title text orig_label label Puso e fefosa kwadiso ya ditsha Ditlhopha di le lesome le botlhano tse di neetsweng tiro ya go kwadisa ditsha tsotlhe tse di mo lefatsheng leno di abetswe dikoloi di le lesome le bone. Mogolwane go tswa kwa ofising ya tsamaiso ya lefatshe [LAPCAS] Rre Makgesi Marata, a re dikoloi tseo di tlaa dirisiwa go fefosa tiro ya go kwadisa ditsha le tiriso ya lefatshe, e e solofelwang gore e bo e weditswe ka ngwaga wa 2016 o ya bokhutlong, mme ba e tshwaraganetse le ba lefatshe la Sweden mo dingwageng tse tlhano. Rre Marata o boletse fa tiro ya makgotla a kabo ditsha e e leng go baya ditsha le go neela beng ba ditsha setlankana fela, mme go latedisa gore mong wa setsha ke mang le gore se dirisediwa eng e ntse e le bothata. O boletse fa tiro e, e ntsheditswe didikadike tsa dipula di le 46.8 mme ka jalo ba bona go le botoka go rekela makgotla a kabo ditsha dikoloi e le bontlha bongwe jwa go fefosa tiro. Rre Marata o kaile fa go hirilwe batho ba le masome a roba bongwe le bosupa go thusa ba ba ntseng ba le teng ba kabo ditsha, mme ba tlaa sekaseka ditsha di le 1 million. O boletse fa ba batletse batho ba ba dirang tiro eo kapari e ba tlaa e dirisang go dira tiro, e le bontlha bongwe jwa go kganela borukutlhi jo bo ka diragalang le go sedimosetsa Batswana gore ba itse fa batho ba e le ba ba romilweng ke puso. Rre Marata o boletse fa ditlhopha tse di neetswe ba makgotla a kabo ditsha a Ngwato, Kweneng, Ngwaketse, Malete, Kgalagadi le Kgatleng mme ba tlaa bo ba dirisa dikoloi tse di rekilweng tseo, a bolela fa e tlaa re morago ga go fetsa tiro e dikoloi di abelwe makgotla a kabo ditsha ka go farologana. O boletse fa lekgotla la kabo ditsha la ga-Malete le filwe dikgwedi tse thataro go wetsa tiro ya go kwadisa ditsha, mme e tlaa re morago fa ba fetsa ba bo ba ya go thusa makgotla a mangwe a kabo ditsha. Rre Marata o boletse fa setlankana se se abelwang batho se sesha, se siame thata ka se kgontsha Batswana go ka ikadimela madi kwa dibankeng, a tlhalosa fa ba ba tlaa fitlhelwang ba na le ditsha di le dintsi ba ka se gapelwe ditsha fela fa ba di abetswe ka fa molaong. O rotloeditse Batswana go kwadisa ditsha tsa bone ka jaana ba tlaa bo ba sa lopiwe sepe mme ditsha tsa bone di sekasekilwe. BOKHUTLO politics 7 Tona Makgato o supa matshwenyego Tona wa botsogo le boitekanelo, Mme Dorcas Makgato o supile matshwenyego ka dipalo tse di kwa tlase tsa magolegwa a a ikoketsang dithuto kwa kgolegelong ya Machaneng. A re dipalo ga di itumedise ka mo magolegweng a le 81 a a kwa kgolegelong eo, ba le 21 ke bone fela ba ba ikoketsang dithuto mme bontsi e le banana ba ba kabong ba tsaya sebaka sa go ikoketsa dithuto. Mme Makgato o ne a rotloetsa magolegwa go ititaya ka thupana. Mme Makgato o ne a bua jalo fa a ile go lekola magolegwa kwa kgolegelong ya Machaneng bosheng. A re thuto e ka ba solegela molemo fa ba gololwa. O ne a supa fa a itumedisiwa ke dipego tsa gore magolegwa a kgolegelo eo ba na le boitshwaro jo bo itumedisang e bile go solofetsa gore ba tlaa agega sesha ba bo ba tswa batho ba ba eletsegang mo setshabeng. Mme Makgato o ne a abela kgolegelo eo paka ya ditlhopha di le pedi tsa kgwele ya dinao le dibolo di le pedi. Fa a lekodisa, mogolwane kwa kgolegelong, Assistant Superintendant Obert Pilato a re kgolegelo ya Machaneng ga e na mosuke. A re go na le ba ba atlhotsweng mme ba direla kwa diofising tse di farologaneng tsa puso mme mo go bone go na le banna ba le 22 le mosadi. A re go na le magolegwa a le 11 ba ba ithutang ka tsa Baebele mme ba dira sentle. A re ba etelwa ke dikereke ka go farologana go tswa mo Machaneng go rerela magolegwa lefoko la Modimo. Magolegwa ba ne ba lebogela loeto la ga Mme Makgato ba bolela fa go bonala fa a kgathala ka batho ba kgaolo ya gagwe. Ba ne ba kopa puso go sekaseka gore a melato e mebotlana e e tshwanang le ya dititeo e ka seke e sekelwe kwa kgotleng mme motho a atlholelwe dithupa go na le gore badira molato ba tlatse dikgolegelo. Ba ne ba kopa gore go simolodisiwe dithuto tsa ditiro tsa diatla tse di dirwang kwa dikgolegelong tse dingwe di tshwana le go roka ka di ka ba thusa fa ba sena go tswa mo kgolegelong. Magolegwa ba kopile go agelwa lefelo le ba ka ithutelang mo go lone, ba bolela fa ba ithutela ka fa tlase ga setlhare mme go sa ba siamela le gore ba baakanyediwe lefelo le ba jelang mo go lone ka tante e ba e dirisang e setse e le makgasa. BOKHUTLO education 4 Temo ya ditlhare e na le maungo Rre Rannwane Mpole wa Malotwane mo kgaolong ya Kgatleng a re temo ya ditlhare le merogo e a busetsa ebile ke yone a itshetsang ka yone. Rre Mpole o boletse mo potsolotsong gore o lebogela thulaganyo ya lenaneo la puso la go lema ditshingwana tsa merogo ka ba ile ba mo isa dithutong beke tsa go lema le go tlhokomela dijwalo kwa sekoleng sa Madirelo training centre. O tlhalositse fa a ile a feta a itebaganya le go lema ditlhare ka go farologana mme matshwenyego a a kopanang le one e le letsatsi le le bogale le le fisang dijwalo. Rre Mpole o lemile ditamati, pherefere, morogo wa spinach, di paw paw,di mango dile 50, di nnaraki, moretlwa wa sekgowa le ditlhare ka go farologana tse di kgabisang. O boletse fa diji bogolo jang seboko se senya ditamati mme a tlhoke go nna le thobo sentle ya ditamati jaaka ngogola kgwebo e ile ya wa diji di sentse ditamati. O tlhalositse fa pherehere ele yone e duleng sentle ka bontsi monongwaga mme seo sele molemo, a tlatsa ka gore letlhoko la madi ke lone le busetsang kgwebo ya gagwe kwa morago ka a batla go lema ditlhare ka go farologana le go tlhabolola meriti. O boletse fa a na le tsholofelo e e tletseng gore ngwaga ono o tla atlega ka jaanong bana ba gagwe ba na le kgatlhego mo go se a se dirang ebile ba tla a mothusa ka madi ka ba lemoga fa a rata temo. Rre Mpole o tlhalositse fa a nosetsa ka metsi a tshwang mo sedibeng mme a a ipompela ka ana le generator mme ka metsi a sa sokole go nosa dijwalo ka gape a beeletsa metsi ka ditanka. O boletse fa mosadi wa gagwe le ene a nnile le seabe go mo rotloetsa ka le ene a rata temo mme ele ene a dirileng tshingwana ya ditamati, a tlatsa ka gore o lemile setlhare sa lesereng gore a rekise abo a jese dikgomo tsa gagwe. O kgothaditse batho gore fa ba neelwa mananeo gotwe ba itshetse ka one ba seka ba a phuaganya ka seo se sa siama, a re mananeo go batla motho a na le lerato go dira ka diatla. O boletse fa go boloka metsi kafa morago ga ntlo mo ditankeng ele gone go ileng ga mo thusa go nosetsa dijwalo tsa gagwe mme a seka a kgobega marapo go tswelela le lenaneo. Rre Mpole a re o bone go tshwanela go dirisa sebaka seo se goromente a ntshitseng mananeo eseng batho ba kgala mananeo mme ba sa ntshe sepe se se ka ba thusang go itshetsa, a tlatsa ka go akgola puso go rekela mme wa gagwe radio ka ene a ne a paletswe ke go e mo rekela mme a kgona go nwa madi bojalwa. A re go kgala puso ga go thuse sepe ka e thusa ka mananeo mme ba kgona go itshetsa ka one ka ba thiba diphatlha ka dipoelo tse ba di bonang go reka phaleche. O boletse fa a sale a tlogela go direla ko meepong kwa Rustenburg ka ngwaga wa 2006 abo a thibelela mo Malotwane a fudugela teng a dirisa madi a a neng a amogela kwa komiting ya ditlhabololo tsa motse go aga mosasana oba nnang mo go one. O boletse fa a itumeletse sentlankana se a se abetsweng morago go go tsenelela dithuto kwa Madirelo, a re puso ke yone e rotloetsang batho mme Tautona wa pele Rre Seretse a ne a nna a bua gore motswana fa a rekisa mae aka tsenya bana sekole mme seo e le go rotloetsa batho go dira ka diatla. O boletse fa a ya go tswelela ka dithuto di tsene sentle mo go ene mme a ya go ikaega ka go lema dijwalo tse dintsi mme a na le tumelo gore o tla atlega a bo a tlhatloge mme dikgwetlho di sena go mo emisa go tsweledisa mananeo a gagwe ebile a batla go rotloetsa dilo tsa setso. economy_business_and_finance 3 Puso e itlamile go ntsha ditirelo tsa maemo Mothusa tona wa botsogo Dr Gloria Somolekae o supile fa maikaelelo a puso e le go dira ditlamelo tse di maleba le go diragatsa ditirelo tsa lephata la botsogo tsa maemo a a kwa godimo mo setshabeng ka dinako tsotlhe. Dr Somolekae o buile se bosheng fa a tlhalosetsa setshaba ka dielo le ditirelo tsa botsogo tsa boleng jo bo kwa godimo kwa Kgalagadi borwa. Mothusa tona o ne a tswelela ka go tlhalosa fa go tshwanetse gore balwetse ba neelwe ditirelo tsa maemo a ntlha ka go newa dithuso tse di maleba mo dikokelong le dikokelwana. A re go mo maruding a bodiredi jwa botsogo go tlhomamisa gore setshaba se kgotsofalela dithuso. O ne a kaya fa seo se ka thusa thata mo go okeleng batho go tla mo dipateleng ka bontsi ba sa belaele sepe le go kgobega marapo gore ba ka seke ba bona dithuso tse ba di tlhokang. Dr Somolekae o kaile fa dikago tsa botsogo di agilwe ka mabaka a gore setshaba se nne le pabalesego e e siameng, go na le tlotlo le seriti ka go bona dithuso tse di siameng, ka botshelo bo le botlhokwa mo botshelong jwa mongwe le mongwe. Mothusa tona o ne a kaya fa ditirelo tsa boleng jo bo kwa godimo bo ka diragala fela fa morafe le ba-na-le seabe botlhe ba ka tshwaragana le gone go dira mmogo ba na le maikaelelo le tebelopele a gore setshaba se babalesege. O ne a lebogela bodiredi jwa botsogo jwa puso le jo bo ikemetseng go bo ba dira ka natla le botswerere ka dinako tsotlhe ka seo se ka thusa mo go tshepheng le go kgotsofala ga seshaba ka ditirelo tsa ba botsogo. O ne a kgala thata badiri bangwe ba lephata la botsogo ba ba isitseng marapo go beng ka ba goga leina la lephata leo mo seretseng ka go tlhoka go thusa setshaba ka botho le ka dinako tse di solofetsweng, mme a ba kopa go ema ka dinao mme ba bereke ka tlhwaafalo ka seo se ka thusa mo go tlotlomatseng Lephata la Botsogo le go isa seriti sa lone kwa godimo. Fa a amogela baeng Kgosi David Seetelo Toto ll o ngongoregile ka dithuso le ditirelo tse di kwa tlase tsa ba lephata la botsogo mo kgaolong ya kgalagadi borwa. Kgosi Toto o ne gape a ngongorega thata ka tlhokomelo e e kwa tlase ya balwetse le dikago tse di sa lebegeng mo dipateleng a kaya fa botsogo e le konokono mo setshabeng. O ne a supa fa matlakala a a sa olelweng le go tlhokomelwa sentle mo matlong a badirela puso, kwa malwapeng le kwa madirelong a kaya fa seo gape se ka kgotlela tikologo. O supile fa tsholofelo e le gore e tlaa re morago ga go rola semmuso dielo tsa ditirelo tsa botsogo go nne le tokafalo ya ditirelo tsa botsogo tse di solofetsweng go diragadiwa mme go dumelwa fa di tlaa thusa mo go tokafatseng seemo seo. Kgosi o ne a supile fa puso e leka ka bojotlhe go tokafatsa ditirelo tsa botsogo mo setshabeng mme sebe sa phiri e nne ba ba tshwanetseng go diragatsa ba e leng bodiredi, A kaya fa “Mashi a tswa thobeng a le phepa mme selabe se tla le motsaya kgamelo”. O ne a kopa mongwe le mongwe le setshaba ka kakaretso go tshwaragana le batsaya karolo botlhe mo go tlhomamiseng gore go nna le botsogo jo bo siameng ka go phepafatsa tikologo ka dinako tsotlhe. Fa a kgwa Kgosi Toto dikgaba, Dr Somolokae o ne a solofetsa fa lephata la gagwe le tlaa dira bojotlhe go phimola dingongorego tsotlhe tse di builweng ke kgosi. Mothusa mookamedi mo ditirelong tsa botsogo Dr James Otholo o ne a supa fa maikaelelo a bone go ya pele e le go tlhomamisa gore ditirelo e nna tsa boleng jo bo kwa godimo mo lephateng la botsogo mo lefatsheng leno. O ne a kgothatsa setshaba go tlhoka go atlhola mme ba nne le seabe mo go tlhomamiseng gore a diphetogo di nna teng mo go tokafaseng maduo mo lephateng la botsogo. Bokhutlo society 9 Thuto e tshwanetse go tsewa ka tlhoafalo Batsadi ba bana ba ba tsenang kwa sekoleng sa Reuben Mpabanga Primary kwa Selebi Phikwe ba kopilwe go tswelela ka tirisanyo mmogo e ntle ya bone le barutabana gore sekole se tswelele ka go ntsha maduo a a kgatlhisang. Seo se builwe ke Professor Goitseone Malumbela go tswa kwa Botswana International University of Science and Technology (BIUST) yo e neng e le molalediwa wa tlotla kwa moletlong wa kabo dimpho kwa sekoleng seo. Professor Malumbela o supile fa ditso tsa sekole sa Reuben Mpabanga di supa fa se ntse se dira sentle ka go ntsha maduo a a kgatlhisang fa e sale se butse dikgoro ka 1995. O ne a supa fa batsadi ba na le seabe se setona mo go direng sentle ga bana ka go bopa ngwana go simologa kwa malwapeng. O tlhalositse fa boitshwaro jwa motho e le jone jo bo tlhalosang se a yang go nna sone fa a godile, mme a rotloetsa batsadi go nna gaufi thata le bana ba bone go ba dira se ba eletsang gore ba nne sone mo botshelong. Professor Malumbela o ne a lebogela seabe sa bana le botlhe jaaka makalana a a ikemetseng le beng ba dikgwebo go tsenya letsogo mo go tsoseng serodumo sa thuto mo Botswana. Mogokgo Georginah Sethore o supile fa tshwaragano ya barutabana, batsadi, bana le seabe le khansele ya toropo ya Selebi Phikwe e le e e tlhatswang pelo ka ba dira go le gontsi gore thuto ya bana e seka ya reketla. Mme Sethore o ne a supa gore le fa toropo e lebanwe ke dikgwetlho tsa itsholelo e e reketlang, seo ga se kgobe batsadi marapo. O ne a supa fa sekole sa gagwe se na le baithuti ba le 521 le mantwana a borutelo a bana ba ba kwa tlase ka dingwaga a le mararo. O ne a supa fa se dirile bontle thata mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa ka 2017 ka ba ne ba tswa ka 98.5 mo lekgolong. Selo se se ne sa ba baya mo maemong a ntlha mo dikoleng di le lesome le bongwe tsa Selebi Phikwe. Mopalamente wa Selebi Phikwe Bophirima Rre Dithapelo Keorapetse o ne a kgothatsa bana ba ba neng ba amogela dimpho go dira ka thata ka se ba se dirileng e le tshimologo ya thuto. O ne a ba tsibosa fa ba tlaa kopana le dikgwetho jaaka koketsego ya dithuto mme seo se sa tshwanela go ba kgoba marapo. Sekole sa Reuben Mpabanga se ne se amogela seetsele se se amoganwang go tswa kwa sekoleng sa Joseph Anderson se e neng e le sone se se neng se gaisitse ka 2016. BOKHUTLO education 4 Masilompana o tlhokafetse Mokhanselara wa pele wa Molalatau, Rre Maphole Masilompana, o tlhokafetse marago ga go lwala ka lebaka le lekhutshwane. Rre Masilompana e ne e le mokhanselara wa kgaolo eo a emetse phathi ya Botswana Democratic Party go simolola ka ngwaga wa 2004 go fitlha ka 2009. Moemedi wa lelwapa, Rre Iphemele Masilompana a re Rre Masilompana o ne a phadimogelwa ke bolwetsi kgwedi eno e le lesome le botlhano mo tseleng a tswa morakeng mme a tlhokafala tsatsi lone leo. Rre Iphemele Masilompana o supile fa moswi a tsene mo sepolotiking ka ngwaga wa 2003 morago ga go tlogela tiro ya borutabana kwa a neng a le mogokgo wa sekole se se potlana sa Semolale mo kgaolong ya Bobirwa. A re ka ngwaga wa 1969 go fitlha ka 1971 o ne a ithutela borutabana kwa Teachers Training College kwa Serowe mme a simolola tiro ya go ruta mo dikolong tse di farologanyeng mo Bobonong mme ya re ka ngwaga wa 1973 a tlogela tiro eo go nna lepodisi. A re Rre Maphole Masilompana o ne a nna lepodisi go fitlhelela ka ngwaga wa 1976 mme a boela kwa tirong ya borutabana gape mme a tlhatlosiwa maemo go fitlhelela e nna mogokgo ka ngwaga wa 1984 kwa a neng a ya go bula sekolo sa Moletemane. Rre Masilompana a re moswi o ne gape e le modulasetilo wa koporase ya baji bareki ya Molalatau gape e le mongwe wa batlhami ba mokgatlho wa barui wa Zone 7 Farmers Association, mme o tlhokafala a tshegeditse maemo a bokwaledi ba mokgatlho o o. Rre Masilompana o tshotswe ka ngwaga wa 1951 mme o tla bolokwa ka Matlhatso kgwedi eno e le masome a mabedi le boraro kwa Molalatau. society 9 Dikgobalo tsa monyetsane ga di na kalafi Tona wa botsogo le boitekanelo, Mme Dorcas Makgato a re le fa Batswana ba dira setho, lorato le go supa mowa wa kutlwelobotlhoko ka go thusa ba ba amilweng ke dikotsi, ba nne kelotlhoko ka seo se ka okeletsa ba ba amegileng mo kotsing dikgobalo. O buile jalo kwa Mahalapye bosheng jaaka Botswana a ne a tshegeditse e le la ntlha letsatsi la go tsibosa Setshaba ka dikgobalo tsa monyetsane. Tona Makgato o gateletse gore dikgobalo tsa monyetsane kgotsa tsa mokwatla ga di na kalafi, ka jalo o tsibosa setshaba gore fa motho a ka tshokana a fitlhela mongwe a amegileng mo kotsing a letle ba ba rutetsweng tiro go thusa ba ba gobetseng. Tona Makgato a re le fa gone go sena dipatlisiso tse di dirilweng go netefatsa gore maiteko a setshaba a a dirwang ka mowa wa kutlwelobotlhoko go leka go thusa ba ba gobetseng a ka etesegetsa dikgobalo go le kae, boamaruri ke gore go dira jalo go ka felela go dirile gore yo o thuswang a gobale monyetsane. Mme Makgato a re go botlhokwa gore setshaba se ikele thoko gore se kgone go tila dikotsi kana dikgobalo tse di ka felelang di ama monyetsane. A re fa motho a setse a nnile le kgobalo e e amang monyetsane go thata go bona kalafi e e ka dirang gore a boele mo seemong sa gagwe sa pele. Tona Makgato a re motho yo o amegileng monyetsane o felela a sa kgone go itsamaisa ka gore dikarolo dingwe tsa mmele di felela di sa bereke, ka jalo o tshwanetse a sidilwe maikutlo gore a ikamogele le go ithuta go tshela botshelo jwa seemo se a leng mo go sone. O supile gore motho o ka amega monyetsane mo kotsing ya koloi, dikotsi tsa mo lwapeng, mo madirelong, metshameko kana a tlhabilwe ka thipa. Mme Makgato a re maduo a dipatlisiso tsa 2016 di supa gore bogole jo bo tlang ka go swa monyetsane bontsi bo bakwa ke dikotsi tsa dikoloi ka selekanyo sa masome a marataro le borobabobedi mo lekgolong. Ka jalo o gakolotse bakgweetsi go emisa mokgwa wa go kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo, go ntontela nnotagi le go dirisa ditagi fa ba kgweetsa ka e le mabaka a a dirang gore ba tlhoke kelelelo le go felela ba bakile dikotsi. Tona Makgato o supile gore lephata la botsogo le tlhaelelwa ke baitseanape ka go farologana ba ba rutetsweng go thusa ba ba amegileng monyetsane, segolo bogolo kwa magaeng. Le fa go ntse jalo, Tona Makgato a re lekalana la mafatshefatshe la botsogo la World Health Organisation le la Motor Vehicle Accident (MVA) Fund le le thusang ba ba amegileng mo dikotsing le a mangwe a tshwaraganye le lephata la botsogo le boitekanelo go thusa ka ditlamelo tsa batho ba ba amegileng monyetsane. Le fa go ntse jalo, Tona Makgato a re go botlhokwa go ruta motho yo o amegileng monyetsane go tswelela a tshela sentle a tshwaraganye le ba bangwe le go dira ditiro tse di ka kgonwang ke motho wa selebego sa gagwe. Mme Makgato a re se se botlhokwa ke go hema dikotsi tse di ka bakang seemo se ka gore dikgobalo tsa mofuta o, di dira gore motho a kgoreletsege go tshela sentle, a sa kgone go dira ditiro tsa gagwe jaaka tlwaelo mme a felele a bona o kare ke morwalo mo setshabeng. O gateletse gore bontsi jwa dikgobalo tse di amang monyetsane di ka sirelediwa le go tswelela go kgolhadiwa ba ba amegileng gore ba seka ba ineela ka gore seemo se ba leng mo go sone ga se phelelo ya botshelo. Kgosi wa Mahalapye, Rre Duncan Segotsi le ene o supile fa a tshwenngwa ke gore Batswana ba tsweletse ke go angwa ke dikotsi ka mabaka a go tlhoka go itshwara sentle ga bakgweetsi. A re bojalwa le go kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo ke dingwe tse batho ba ikgantshang ka tsone. E re le fa go ntse jalo, Kgosi Segotsi o rotloeditse makalana a puso ka go farologana gore ba seka ba fela pelo mme ba tswelele ka go ruta setshaba. Kgosi Segotsi le ene o gakolotse morafe gore ba ba senang kitso ya thuso ya potlako ba emise go itlhaganelela go thusa batho ba ba amegileng mo dikotsing tsa dikoloi. “Emisang go tsenya matsogo le re le a thusa ka gongwe le ka felela le gakaditse kgobalo.” O ne a supa botlhokwa jwa gore mongwe le mongwe mo setshabeng a nne le kitso ya thuso ya potlako. Kgosi Segotsi a re nako e tsile ya gore lephata la tsa mesepele le ipabalelo tseleng le netefatse gore thuso ya potlako e nna bontlha bongwe jwa thuto e motho a e fiwang gore a tsee setlankana sa go kgweetsa. E rile a bua mo boemong jwa Modulasetilo wa khansele-potlana ya Mahalapye, mokhanselara wa kgotlana ya Mahalapye legare, Rre Joseph Tjienda a supa fa puso e dirisa madi a mantsi go tlamela ba ba amilweng ke dikotsi tsa tsela le gore bangwe ba bone ba felela ba na le bogole. Rre Tjienda a re ba-na-le bogole ba tlhoka ditlamelo tse di faphegileng e bile di sa bonale motlhofo ka jalo go botlhokwa go tswa mo mekgweng e e ka bakang seemo se. A re o dumela gore Batswana ba ka kgona go hema dikgobalo tse di amang monyetsane fa ba dira ba tshwaraganye le gone go thusa ba ba amegileng go ikamogela le go dira ditiro tse di botlhokwa mo setshabeng. ENDS health 6 €˜ Ga ke a tlhophisiwa sentle’ Mosupi mo tshekong ya go ngongoregela maduo a ditlhopho, Mme Tebalo Molapo o boleletse kgotla kgolo ya ditsheko mo Gaborone ka Matlhatso gore go tlhoka go rutega le pono e e koafetseng di dirile gore a seka a kgona go tlhopha phathi ya sepolotiki ya pelo ya gagwe. Rre Mogalakwe Mogalakwe wa phathi ya Alliance for Progressives (AP) o ngongoregela maduo a ditlhopho tsa setshaba tsa bokhanselara jwa kgaolwana ya Mosolotshane/Moralane kwa kgaolong ya botlhophi ya Shoshong. Mme Molapo a re o ngongoregela gore mme yo o neng a mo thusa ga a a mo direla sentle ka gore o boetse kwa lwapeng ntle le go rurifalediwa gore ka boamaruri o tlhophetswe phathi ya gagwe. “Ga ke itse motho yo o neng a ntlhophisa. E ne e le mosadi. Ga a a ntirela sentle. O ntlhophetse mo ke sa batleng teng.” E rile a bodiwa ke mmueledi wa moikuedi, Rre Faustino Ngandu, gore o ne a batla go tlhopha phathi e fe, Mme Molapo a supa sekano sa phathi eo ka go dirisa menwana ya mabogo. Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosa gore ga a itse yo o neng a eme ka sekano sa phathi e a neng a batla go e tlhopha. A re le fa a sa itse leina la phathi e a neng a batla go e tlhopha, o dumela gore ga a a tlhophisiwa sentle, ke ka moo a bonyeng go le botlhokwa go tla go rola ngongorego ya gagwe fa pele ga lekgotla ka go ntsha bosupi. Mme Molapo a re ka gore ga a bone, o ka bo a rurifaleditswe ke ba ba kgonang go bona (go kwala le go bala) gore ka boammaaruri o tlhophile sentle. “Fa nkabo ke thusitswe ke motho yo o bonang, o ka bo a nthusitse gore ke tlhophe sentle,” ga tlhalosa Mme Molapo. Ke thusitswe ke mosadi yo ke sa mo itseng, a itirela dilo di sele, fa o sa rutega e bile o sa bone ga o thusiwe sentle le fa o ka tswa o boleletse motho gore a go thuse jang,” a tswelela a tlhalosa. “Ke ne ke mmoleletse gore ga ke bone, mme a mpolelela gore o tlaa ntlhophela ka fa a batlang ka teng. Ke ne ke na le monnamogolo wa me, mme ba gana ke tsena le ene. Monnamogolo wa me o botoka o a bonabona, o ka bo a nthusitse ka gore ene o tlhophile sentle ke jaaka le bona a seyo fa,” ga tlhalosa Mme Molapo. Mmueledi wa mongongoregi wa bobedi, Rre Busang Manewe o ne a botsa Mme Molapo gore ka gore ga a itse go bala le go kwala gape ga a bone sentle, o tlhomamisa jang gore mme (mosadi) yo a neng a mo thusa o mo tlhophetse phathi e sele. Mme Molapo a re o dumela gore ga a a tlhophelwa sentle ka gore morago ga go tshwaya talama a thusiwa ke mosadi yo a sa mo itseng go ne ga seka ga nna le ope yo o bonang go rurifatsa gore o tlhophetswe sentle. politics 7 Monana o akola mananeo Mananeo a puso a tsweletse ka go inola banana mo lehumeng. Se, se rurifaditswe ke Mme Katlego Mokgweetsi yo o dingwaga tse masome mabedi le bone wa Lecheng kwa kgaolong ya Tswapong yo e leng mongwe wa banana ba ba akotseng mananeo a. Mme Mokgweetsi o boleletse mo potsolotsong go re morago ga go latlhegelwa ke batsadi ka bonana o ne a seka a kgobega marapo mme ka jalo a leka tsela tsotlhe tsa go itshetsa le ba lelwalapa la gagwe. A re erile go tlhoka go dira sentle ga gagwe mo mophatong wa botlhano a batla ditiro mo madirelong a farologanyeng mme a nna a boloka lemmenyana le a neng a duelwa ka lone. Morago ga dingwaga tse pedi Mme Mokgweetsi a re o ne a tsaya madi a neng a bolokile go reka dimonamone, nzamele le tse dingwe mme a bula semausu ka jalo simolola kgwebo ya go rekisa. Go tswakanya itsholelo ya gagwe a re o ne a ya go kopa madi a banana ko pusong mme ka o ne a atolosa kgwebo ya gagwe ka go rekisa dino tsididi, dimotamelomo le tse dingwe mme a dirisa bontlha bongwe ja madi a neng a kopile go simolodisa kgwebo ya dikoko tsa nama le tsa mae. O ne a kaya gore go simololeng kgwebo e ga gagwe o gwetlhilwe ke go bona letlhoko la ditiro le lentsi mo Botswana segolo bogolo mo bananeng ebile le golela pele ngwaga le ngwaga. Are go itirela ka diatla go siame ka o supa bokgoni jwa gago ebile o dira selo se o sa se patelediweng ke ope. Mme Mokgweetsi a re kgwebo e ya semausu le dikoko di mo tswela mosola ka a kgona go ithekela molora le go fa ngwana wa gagwe tlhokomelo e ae tlhokang. Mme Mokgweetsi o ne a tswelela a bua gore le ntswa go na le dikgwetlho di le mmalwa mo dikgwebong tse tsa gagwe ga ipone tsapa go leka ka bojotlhe go batla ditsela tse a ka di fenyang dikgwetlho tse. A re kgwetlho e tona mo dikgwebong tse ke go phadisanya le bommadikgwebo le borradikgwebo ba ba setseng ba ikadile mme ene o batla ditsela tse di botoka go ka bapatsa dikgwebo tsa gagwe. Kgwetlho e nngwe e tona ya dikoko ke go swa di le dinnye gape di tlhokana le madi a mantsi go ka busetsa, a nankola jalo a tlatsa ka go re kgwetlho e nngwe ke sekoloto ka Batswana ba rata go tsaya dilwana ka sekoloto ba bo ba nna ko malwapeng a bone ba sa duele ka nako mme se sa baka gore kgwebo e seka ya atlologa sentle “Go fitlhelela dikgwetlho tse, ke leka ka bojotlhe go bua le bareki bame ka bonolo gore ba seka ba nna lebaka le letelele ba sa ntuele,ke ba lebisa le mabaka a gore kgwebo e ke yone e njesang, ga e sa tsamae sentle ke mo kanang ke sule. Gape le dikoko ke di baya ga go phepha go itsa malwetse a masesane le go di rekela melomo ya teng,” ga bua Katlego,” a tlhalosa ka botlalo. O ne ga pe a kgotlhatsa banana gore ba tlogele go ikaega ka batsadi/batlhokomedi ba bone fela mme ba eme ka dinao ba itirele ka diatla tsa bone gore ba nne le bokamoso jo bo atlegileng. O ne a ba gakolola gore ba ikgaphe mo diritibatsing le majalwa ka di baka borukhuthi gape di ka ba senyetsa bokamoso. “Banana emang ka dinao le tsee mananeo a goromente le itshimololele dikgwebo, lesang go nna ka matsogo a lona le a dirise le supe bokgoni jwa lona le tle le nne le bokamoso jo bo tlhapileng,” ga akgela Mme Mokgweetsi. economy_business_and_finance 3 Boitsholo jo bo makgapha bo a tshwenya Kgosi Malepa Orekeng wa Ntlhantlhe mo kgaolong ya Borwa a re ga a jesiwe diwelang ke boitsholo jo bo makgapha jwa banana mo motseng wa gagwe. Fa a bua mo potsolotsong, Kgosi Orekeng o tlhalositse fa dikgang tsa botlhoka tsebe jwa banana tse di tlang kwa go ene di amanngwa thata le tiriso botlhaswa ya dino-tagi le diritibatsi e bile di tsweletse ka go golela pele. A re dikgang tse tsa maitsholo a a makgapha go supagala fa di dirwa thata ke banana fa ba le mo kgatelelong ya diritibatsi le nnotagi ka dinako tsa maitiso. A re melato e a e amogelang ke ya dintwa ga mmogo le go tshosetsana matshelo. A re mo nakong e e fetileng o kile a ba rulaganyetsa thuto-pusanyo le mapodisi, gore ba tle go ba tsibosa ka bodiphatsa jwa tiriso botlhaswa ya nno-tagi le ditiribatsi mme ba tlhoka go iponagatsa. Go sa le foo, kgosi a re morafe o tshwenngwa ke bogodu jwa dikgomo jo bo apesitseng Ntlhantlhe le metse e e mabapi kobo ka letshoba e bile bo tsweletse ka go golela pele bosigo le motshegare. A re bogodu jwa dikgomo bo godisiwa ke batho ba ba tswelelang ka go reka dinama tsa dikgomo mo magodung ntswa ba tsibosiwa ka borai jwa go sa saleng tsamaiso ya go reka dinama morago. Kgosi o kaile fa tlhaelo ya dikoloi tsa mapodisi mo kgaolong e folodisa maiteko a bone a go tshwara magodu ka nako fa ba lomilwe tsebe. O bile a kopa morafe gore ba seka ba ipona tsapa go loma mapodisi tsebe ka dikgang tsa mofuta o. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Puso ga e kake ya tswala sekole sa Badale Kgosi wa Bodibeng kwa Nhabe, Rre Paul Mbaeva o kgadile batho ba ba kgaolang terata ya matlhoko a leruo. Kgosi Mbaeva o ne a galefile mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa tlhabololo temo-thuo le dijo, Rre Konstantinos Markus ka Labobedi kwa motseng oo. A re go utlwisa botlhoko ka go bo terata eo e le ya tshireletso ya matlhoko a leruo, a a apesitseng balemi ba kgaolo eo kobo ka letshoba. A re maswabi ke gore batho bangwe ba itse batho ba ba kgaolang terata, mme ba bipa mpa ka mabele. Kgosi Mbaeva o bile a re lefatshe la bone la mafudiso le lennye, a tlhalosa fa go na le yone terata eo ntlha e nngwe, fa bontlha jo bongwe e le lecha la Nhabe. O kopile gore ba neelwe dingwe tsa didiba tse di sa dirisiweng gore ba kgone go isa leruo la bone kwa go tsone. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Otsetswe Machao o ne a leboga puso go bo e ba thusitse ka dihutshane le dijo tsa tsone tsa dikgwedi tse tharo. Le fa go ntse jalo, Rre Machao o ne a ngongorega ka letlhoko la molemisi, a re ba sale ba nna le molemisi ka dingwaga tsa bo1993. A re yo ba mo neetsweng o bereka kgaolo yotlhe ya Nhabe, mo go dirang ekete o palelelwa ke tiro ka kgaolo eo e le bophara. Rre Kanangura Hikuama o kgadile matlhabelo a BMC a re a tsaya lebaka le le leele a sa duele beng barui. A re puso e thuse ba ba nang le lefatshe ka go ba phunyetsa didiba gore ba tshabisetse leruo la bone koo ka nako ya leuba. Rre Gabriel Kazondoro o ne a re dihutshane di setse di ntsifetse, mme a batla go itse gore a di bonetswe mmaraka. A re ba jewa ntsoma ke bagwebi ba marekisetso a nama ka dituelo tse di kwa tlase. O bile a re ditlhwatlhwa tsa phimolo keledi tsa dihutshane di okediwe. A re go thona go bo puso e rekela morui podi e namagadi ka P1 000, mme e re fa e jewa ke phologolo puso e bo e duela motho P157. Fa a araba, Rre Markus o ne a re molao wa phimolo keledi o a sekasekwa, a bo a ba kgothatsa gore ba bone gore bolwetse jwa tlhako le molomo bo ka nyelediwa gotlhelele jang. Fa a bua ka terata ya matlhoko a leruo, o ne kopa banni ba Bodibeng go e tlhokomela. A re batho ba ba kgaolang terata ke bana le batsadi ba bone ba a ba itse, mme ke nako ya gore ba ba ise fa pele ga molao ka gore fa bolwetse bo ka tlhagoga, bo tsile go ba babalela botlhe. education 4 Mahetlwe o ipaakanyetsa makgaola-kgang Motse wa Mahetlwe mo kgaolong potlana ya Lentsweletau o ipaakanyetsa makgaola-kgang a dikgaisanyo tsa motse o o phepa. Mmaboitekanelo kwa motse oo, Mme Kelebogile Motswagole, o tlhalositse jalo ka Mosupologo. A re se se tla jaana morago ga gore motse oo o tseye sekgele sa maemo a ntlha mo kgaolong ya Kweneng ngogola. O boletse fa sekgele seo se ne se sa ba wela ka lesego, mme e le maduo a go bereka ka natla ka jaana banni ba ne ba dira ka natla go phepafatsa motse. A re komiti ya botsogo ya motse e ne ya tsaya matsapa a go etela banni kwa dikgotlaneng tsa bone go ba ruta le go ba rotloetsa ka dikgang tsa bophepa. A re ba ne gape ba ema ka dinao go sela matlakala mo motseng, e le tsela ya go etelela pele banni mme a re se se ne sa supa tlhwaafalo e ba leng mo go yone. A re tiro ya go phepafatsa motse e ne ya dirwa motlhofo ke gore banni bane ba rata tiro eo ka jalo ba bolola ka dipalo tse di kwa godimo. Mme Motswagole o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba ne ba rotloetsa banni go dirisa motlhale wa go busetsa matlakala mo tirisong, mme a re se sene sa ba berekela thata ka e bile mongwe wa banni a ne a ikgapela maemo a bobedi gone kwa makgaola-kgannyeng a kgaolo ka dithoto tse di dirilweng ka matlakala aa dirisitsweng sesha. A re Mme Senki Kokome o ne a dirisa matlakala go dira ditlhako, manyena, dihutshe, dinkgwana tsa dithunya ga mmogo le dibaga. E re lefa go ntse jalo, Mme Motswagole o boletse fa go phepafatsa motse e se tiro e e motlhofo ka jaana e se botlhe ba ba ba sekegelang selo seo tsebe ka bangwe ba ba gasetsa diatla fa ba tla ka molaetsa wa phepafatso. O boletse fa gona le batho bangwe ba ba latlhelang matlakala mo ditseleng, selo se a reng se ba pateletsa go nna ba etela ditsela tse di akaretsang ya Mahetlwe-Molepolole, Mahetlwe-Lentsweletau le ya Mahetlwe-Hatsalatladi go phepafatsa. Mme Motswagole o ne a supa fa a leboga thata ba komiti ya botsogo ya motse, ka go seka ba ipona tsapa go dira ka matsogo se ba dumelang mo go sone, mme a leboga le banni ba motse go ba neela sebaka sa gore ba ba neele molaetsa mo dikgotlaneng. BOKHUTLO environment 5 Modulasetilo o kgala thekiso ya ditsha Modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi, O ne a kopa lekgotla leo go tlhagisa setshaba go tlhokomela lefatshe ka e le mpho ya Modimo, a tlhalosa fa le tshwanetse go tlhokomelwa sentle fa motho a le abetswe e seng go le rekisa; ka jaana le tlhaela. Modulasetilo, O ne a phophotha legetla ba lekgotla la kabo ditsha go bo ba tsholeleditse serodumo sa lekgotla leo kwa godimo mo ngwageng wa madi wa 2012/2013 le ntswa ba na le dikgwetlho di akaretsa ditsela tse di sa siamang le letlhoko la boroko. Modulasetilo o ne a boa a kgothatsa ba ba tsereng dietsele go tswelela ba dira ka bonatla mo ditirong tsa bone mme a gwetlha ba ba sa atswiwang ka sepe go dira go feta jaaka ba ne ba dira, le gone go se kgobiwe marapo ke go bo ba itswetse fela. Fa a tswa la gagwe mokwaledi wa khuduthamaga ya kabo ditsha, Rre Oatlhotse Hiri, o ne a tlhalosa ka lenaneo la Land Administration Procedures, Capacity and Systems (LAPCAS) le le simologileng ka kgwedi ya Phatwe ngogola, a kaya fa le tsweletse sentle kwa Macheng, mo kgaolong ya Kgalagad Bokone. Rre Hiri o ne a supa fa maikaelelo a lenaneo le e le go tlhomamisa gore mongwe le mongwe yo o nang le setsha se a kwadisiwa, go rurifatsa mong wa sone, gore se dirisetswa eng le selekanyo sa sone. Rre Hiri o ne a supa fa lekgotla la bone le lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le letlhoko la madi go tsweledisa mananeo a leng teng, letlhoko la dikoloi , letlhoko la babereki le tlhaelo ya lefatshe. O ne a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe le kemonokeng ya motia, ka seo se ba kgontshitse go ntsha maduo a a kgatlhisang. O ne gape a leboga mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha, Rre Nixon Mogapi, yo o fudugelang kwa lekgotleng la kabo ditsha la Ngwato. O ne a supa fa a dirile go le gontsi mo go tlhomamiseng gore lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi le nna le ntsha maduo a a bonalang. Fa a laela badiri, Rre Mogapi o ne a gwetlha badiri ba lekgotla leo go dira tiro ya bone ka bonokopila ka nako tsotlhe le go dira mmogo ba le seopo sengwe, a gatelela thata gore ba tlotle bagolo ka go dira le bone ka botho. O ne gape a kopa setshaba go tlhabolola ditsha tsa bone tsotlhe tse di sa tlhabolwang, ka go lemotshegile fa batho ba le bantsi ba kopa ditsha mo Kgalagadi mme morago ba nne maoto a tshupa go di tlhabolola. Baamogela dietsele ba ne ba lebogiwa ka ditlakana le madi a a ka tshwarang P300.00. politics 7 Tlhaelo ya lefatshe tlhora boroko Lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi le lela ka tlhaelo ya lefatshe la bonno le masimo le ntswa Motswana mongwe le mongwe a na le tshwanelo ya go nna le setsha. Mafoko a a builwe ke Rre Elijah Molwele kwa Tsabong bosheng mo boemong jwa modulasetilo wa lekgotla la Kgalagadi kwa moletlong wa selalelo o maikaelelo wa one e neng e le go ipelela tse ba di kgonneng le go ithuna dinta. Ba ne ba tswa ka maitlamo a lekgotla leo go ya pele mo ngwageng wa madi wa 2018/2019. Fa a bua ka ditsha tsa bonno, o boletse fa baikopedi ba ba emetseng go bewa mo kgaolong ba le 11 691 go akarediwa lekgotla le lebotlana la Hukuntsi ka 3 523 le la Tsabong ka 8 168 mme ditsha tse di ka bewang mo palong eo di le 319 kwa Hukuntsi ka kgwedi ya Herikgong. Rre Molwele o ne a tlhalosetsa batsena moletlo gore bontsi jwa banni ba kgaolo eo ba kgatlhegela temo-thuo, ka jalo ba tlhoka lefatshe la temo, go bewa didiba, dipolasi le masimo, selo se a reng ga ba kgone go se diragatsa ka ntlha ya tlhaelo ya lefatshe. O ne a tlhalosa fa mo nakong ya gompieno dikopo tse di sa ntseng di emetse go bewa tsa masimo di le 5 526, mme 2 619 e le tsa lekgotla le lebotlana la Hukuntsi fa Tsabong e le 22 907. Mabapi le seemo seo, Rre Molwele o supile fa lekgotla le ne la tsaya kgato ka go tsamaya le Kgalagadi le buisa diphuthego mo dikgotleng go rerisana le merafe go thusana go batla lefatshe la go baya masimo, selo se a supileng fa se tlaa tswa maduo mo ngwageng oo tlang. Rre Molwele o ne a supa fa go phutha madi a lekgotla le a kolotwang e le kgwetlho, selo se a reng se kgoreletsa ditirelo. A re mo nakong ya gompieno ba setse ba phuthile P 1 879 800 e leng selekanyo sa 28 per cent, a re ba ne ba tsibogela seemo se ka go simolodisa tiro ya go dupa dibuka mo lekgotleng. A re morago ba tlaa tsibosa le go itsese ba ba nang le melala mme ope yo o tlaa itlhokomolosang seo ba tlaa mo tseela dikgato. Le fa go ntse jalo, Rre Molwele o ne a leboga badiri ba lekgotla leo ka botswerere le bopelotelele mo ngwageng ono le ntswa go sa ntse go le go ntsi mo ba ka go kgonang mo nakong e e tlang. Rre Molwele o ne a tlatsa ka go ba eleletsa masego le matlhogonolo mo malatsing a boitapoloso a keresemose le ngwaga o mosha le gone go ba gakolola go ikgapha mo dikotsing tsa tsela di tse tsweletseng ka go gapa matshelo a batho ka bontsi mo lefatsheng leno, tse a supileng fa gantsi di bakwang ke nnotagi le lobelo gareng ga tse dingwe. Fa a leboga, mothusa modulasetilo mo lekgotleng le le botlana mo Tsabong Mme Reginah Mosweu o ne a gatelela botlhokwa jwa lefatshe a re ke teemane ka batho ba ntsha dijo, e le bonno jwa motho a tshedile le a ile ga maoto hunyela e bile gape e le lone le go ruelwang mo go lone. Mme Mosweu a re ntswa lekgotla leo le na le kgwetlho e tona ya tlhaelo ya lefatshe, badiri ba tshwanetse go ema ka dinao go tswa ka maano ka seo se ka thusa go fitlhelela maitlamo a bone le dikeletso tsa setshaba ka go ba neela ditirelo. society 9 Palo ya batlhophi e oketsegile kwa Kgatleng Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong, a re lekgotla la ditlhopho le kwadisitse batlhophi ba le 47 384 kwa dikgaolong tsa Mochudi Botlhaba le Bophirima. Fa a rola pego kwa bokopanong jwa khansele kwa Mochudi bosheng, Rre Morolong o boletse fa dikgaolo ka bobedi di bonye kgolo ya batlhophi. Ntswa Mochudi Botlhaba e na le banni ba le 44 197 go ikwadisitse botlhophi ba le 23 263. “Mochudi Bophirima yone e kwadisitse j batlhophi ba le 24 121 go tsweng mo go 47 463 wa ba ba neng ba solofetswe go ikwadisa kwa kgaolong eo,” a rialo Rre Morolong. O supile fa buka ya maina a ba ba ikwadisitseng e rurifaditswe mme ya neelwa setshaba go ikgotsofatsa. Rre Morolong a re ofisi ya ditlhopho kwa kgaolong ga e a amogela dingongora dipe mabapi le buka ya maina a ba ba ikwadisitseng O tsweletse a supa fa go nnile le diphetogo tse di diragetseng ka ngwaga wa 2016 go ya kwa go 2017, mme ga akarediwa kgotla ya Rampedi le Bollelatshwene mo mafelong a matlhophelo morago ga go sekasekiwa. Mo go tse dingwe, Rre Morolong a re madi a thuso a letlole la revenue support grant a le selekanyo sa P867 million. A re mo dingwageng tseo, khansele e kgonne go itsenyetsa P52 million. Rre Morolong a re maiteko a khansele go itsenyetsa madi a ne a busediwa morago ke go sa duelweng ga matlo a khansele a a hirisitsweng ke bodiredi jwa maphata a sele, go sa duelweng ga madirelo a hirisitsweng ke bagwebi ba dikgwebo tse di potlana le phokotsego ya letlole la matimela. O supile fa mabaka a leuba a paledisitse khansele go phutha dikgomo tsa matimela ka palo e e neng e solofetswe. Modulasetilo o tsweletse a supa gore madi otlhe a a dirisitsweng mo lenaneong la go fokotsa letlhoko la dikago le ditlamelo go tsweng ngwaga wa madi wa 2014/15 e le P25 million. A re khansele e ne ya dirisa P6 million ka ngwaga wa 2015/16 go oketsa marutelo, matlo a barutabana le matlwana a boiteketso kwa Ramogotsi. Rre Morolong a re lenaneo la ditiro tsa morafe tsa ditlhabololo tsa dikgaolo tsa bopalamente le ne la akaretsa ditiro di le lesome le bone tsa dikago ka ngwaga wa 2017/18 le tse di lesome le boferabobedi ka 2018/19. A re go fedile ditiro di le pedi fela mo go tsa ngwaga wa 2017/18. “Mo ngwageng ono wa madi, go tlaa dirwa ditiro tsa dikago ka lenaneo le, di le boferabongwe. Ditiro tse, di akaretsa kago ya leobo la kgotla kgolo ya Mochudi ka P3 million yo o ntshwitseng ke dikgaolo tse pedi tsa Mochudi Botlhaba le Mochudi Bophirima.” O supile fa tiro e ya kago ya leobo e emetse go abelwa moagi fa tse dingwe di santse di sekasekwa. Modulasetilo o ne a supa fa khansele e amogetse selekanyo sa madi a P16m go dira ditiro tsa ditsela le go reka dikoloi. Rre Morolong o supile fa go adilwe ditena mo tseleng ya Rampedi ka P3 million mme ga dirwa kholobete kwa Oodi/Matebele ka P4million ka letlole la ditsela. A re go baakanya ditsela tse di sentsweng ke merwalela ya pula ya Dineo go jele selekanyo sa P4million. Rre Morolong o tsweletse a bolela fa khansele ele mo lenaneong la go aba tiro ya kago ya kholobete ko Mosanta gaufi le marekisetso a Mogorosi ka madi a ka tshwarang P1.5million. A re madi a letlole le gape a dirisitswe go reka metshini e e dirisiwang mo ditirong tsa ditsela e farologanye ka madi a P4million. “Re amogetse madi a mangwe a selekanyo sa P10million ka Phukwi mme khansele e santse e sekaseka ditiro tse di ka dirwang ka lenaneo le,” a tlhalosa. BOKHUTLO politics 7 Matlotlo a ditso a tshwanetse go sirelediwa Kgaolo ya bokone botlhaba ke nngwe ya mafelo aa humileng ditso tse di tlogetsweng ke bagologolo ba maloba, mme tseo di akaretsa ditshwantso mo majweng, mafelo a a faphegileng ga mmogo le didiba tse di sa kgaleng. Mo motseng wa Kalakamati go fitlhelwa lefelo la Mantenge le le segofaditsweng ka mmadidiba fa gare ga lejwe ga mmogo le ditshwantso mo matlapeng. Go ya ka mothusa mokwaledi wa mokgatlho o o itebagantseng le go sireletsa ga mmogo le go somarela lefelo leo, Mme Boitumelo Muzola, a re morago ga go itemogela le go tshwenngwa ke tiriso botlhatswa ya ditso tseo, banni bangwe ba motse wa Kalakamati ba ne ba ikgobokanya go tla ka mokgatlho ka ngwaga wa 2008 go thusa go lwantsha seemo seo. Mme Muzola o buile a sa kgwe mathe tebang le bao ba ba tsenang mo lefelong leo ntle le tetla mme ba dirise ba bo ba senyake metsi a a mo lefelong leo. Mo puisanong le lekalana la BOPA bosheng, Mme Muzola o tlhalositse fa go giwa metsi a sediba seo ka bokete jo bo kwa godimo mme e bile e se ka ditumalano. Sediba seo se se kaiwang fa e le sone mmadidiba mo kgaolong e, se bonwa fa gare ga letlapa lengwe le le ikadileng le lefelo leo, boteng jwa sone bo ka tshwara dimmithara di le masome a mararo. Mme Muzola o kaile gape fa metsi a sone a jwelelela gape ka fa tlase ga lejwe leo, bophara jwa dimmithara di le supa mme a kaya fa seo se le borai mo matshelong a batho. O kopile morafe wa motse wa Kalakamati le metse e e mo tikologong go thusana go somarela lefelo leo go sireletsa lorato lo ba lo tlogeletsweng ke bagolo ba pele ba motse oo. O tladitse ka gore sediba sa Mantenge se tswa goo lowe se nosa banni ba motse wa Kalakamati le metse e e mabapi segolo jang ka nako ya komelelo. Go dumelwa fa metsi a sone a thusitse batho ga mmogo le diphologolo mme ebile se ise se ko se kgale. Le mo nakong ya gompieno sediba seo se tsweletse ka go nosa le go thusa batho segolo jang ka tsa kalafi ka bangwe ba dumela fa metsi a sone a segofaditswe ke badimo ka jalo a ntsha mewa e e maswe. A re ba itemogetse metlhala e e supang fa diphuthego dingwe tsa dikereke di kopanela mo lefelong leo go dira tsa kalafi le tse dingwe tsa ditumelo tsa bone. Mme Muzola o tsweletse ka gore sediba seo e ne e le motswedi wa metsi o bagologolo ba maloba ba neng ba itshiela ba bo ba nosa leruo la bone mo go sone. O tsweletse ka gore ope yo o nang le keletso ya go dirisa metsi ao, a ikgolaganye le bone ka ba ka se mo time thothi mme a ganana le bao ba ba a gelelang ka diemere e se ka ditumalano le bao ba ba tlhagelang mo lefelong leo. A re ba ipona ba le sego go nna le mo a go kayang e le tshegofatso ya metsi a sennelaruri. Mo go tse dingwe e ntse e le mo lefelong leo, Mme Muzola o tlhalositse fa go na le bangwe ba ba direlang dikalafi tsa bone mo lefelong leo mme ba felele ba gotsa melelo ka fa tlase ga majwe a mo go one go nang le ditshwantsho tse di dirilweng ke batho ba bagologolo mme mosi wa teng o felele o ama o bo o timetsa ditshwantso tseo. Ditshwantso tseo di akaretsa diphologolo ka mofuta ka morafe o o neng o thibeletse foo, o go dumelwang fa e ne e le Basarwa, e ne e le batsumi, mme a kaya fa dingwe di ne di tshwantshiwa ke b a ba neng ba filwe mpho ya kalafi kana dingaka go tlhalosa se ba se boneng mo ditorong tsa bone. A re Batswana ba tshwanetse go itse dikgaolo tsa bone. O buile seo a kaya fa lefelo la Mantenge le bapile fela le le le tumileng thata la Domboshaba mme a supa gape fa go na le mafelo a mangwe a ditso a tshwana le kwa dithabeng tsa Gandanyemba kwa motseng wa Nlapkhwane, kwa Masingwaneng, Sebina ga mmogo le Nswazwi. O tladitse ka gore Batswana ba tshwanetse go nna le lorato mo ditsong tsa bone le gore ba di somarele gore di seka tsa ba tswa diatleng. O kaile fa bontsi jwa Batswana ba sa tlhaloganye boleng jwa ditso tsa tlholego. Jaaka lefatshe le le ikaegile thata ka bojanala, Mme Muzola o supile gape fa ditso tse, di ka oka bajanala mo lefatsheng le ka bontsi jwa bone ba kgatlhegela thata didirisiwa tsa Setswana le tse dingwe tsa tlholego e bile gape seo se ka thusa go kabakanya itsholelo ga mmogo le go tlhama ditiro tse mo nakong ya gompieno e santseng e le kgwetlho e tona e e lebaneng lefatshe leno. O kopile Batswana go ba ema nokeng, go tsenya letsogo mo go sireletseng ditso tsa lefatshe leno. Mme Lorato Waniwa yo e leng molebeledi wa lefelo leo, le ene o supile fa a santse a tshwenngwa ke Batswana ba ba santseng ba roba melao le ntswa go na le ditlhagiso tse mo go tsone di kayang dikotlhao. A re ba tlaa leka ka bojotlhe go bona gore tsotlhe tse di mo lefelong leo di sireletsegile gore ba tle ba kgaogane le dikokomane tse di tlang kwa morago ka ditso tsa bone le tsa bao ba ba tsileng pele ga bone. Mme Waniwa o nankotse fa ba tshwaragane le lephata la diphologolo le bojanala ga mmogo le ba disupiwa ba Botswana National Museum and Monuments go sireletsa lefelo leo. E rile a tswa la gagwe modulasetilo wa mokgatlho oo, Rre Israel Samu a re ba ikaelela go tlhabolola lefelo la Mantenge go oka bajanala. A re ba eletsa go aga matlo a borobalo, lefelo la itloso bodutu, go tsenya diphologolo tsa naga ga mmogo le tse dingwe tse di ka thusang go kgatlha leitlho la bajanala. A re lefelo leo le ka thusa thata go tsenya madi mo letloleng la mokgatlho. BOKHUTLO politics 7 Molefi o rotloetsa boipelego Mokwaledi wa khansele potlana ya Palapye, Rre Koti Molefi, o rotloeditse banni ba kgotlana ya Lotsane mo Palapye go tsaya karolo mo go thuseng bangwe ba ba tlhokileng lesego. Fa a bua kwa kgotlaneng eo ka Mosupologo, Phalane a tlhola malatsi a masome mabedi le borobabongwe, kwa go neng go abelwa bana ba masiela ba sekolo se sebotlana sa Boipuso, Rre Molefi a re ofisi ya boipelego e kwadisitse bana ba masiela ba le lekgolo le masome a mararo mo Palapye mme mo go bone ba le masome a mane le borataro ele ba kgotlana ya Lotsane. Bana ba le masome a mararo le botlhano mo go ba le masone a mane le borataro ba ile ba abelwa dibeke tsa sekolo ke mogwebi Rre Lizah Kgotlaetsile wa madirelo a Serowe Canvas and Tents. Rre Molefi a re se se raya gore ba na ba le lesome le bongwe ga ba kgona go bona dimpho tse di bonweng ke ba bangwe; mme morago a akgolela Rre Kgotlaetsile go bo a ile a intsha setlhabelo gore a kgone a thuse bana ba ba duleng ka sengwe. Le fa go ntse jalo, o rotloeditse batsadi ba Lotsane go ikopanya gore le bone ba nne le seabe mo baneng ba ba sa kgonang go bona dimpho tseo, a re puso ele nosi ga e kake ya kgona. Mo godimo ga se, Rre Molefi o supile fa khansele potlana ya Palapye e tshwenyegile thata ka tlhokomelo ya bana ba masiela, a re bangwe ba ba amoga dilwana tsa bone; mme a kopa batsadi go ema ka dinao go kgalema kgang tsa go tshwana le tse. Fa a tswa la gagwe Rre Kgotlaetsile, a re tautona wa lefatshe leno o kopile gore setshaba se thuse ba ba tlhokileng lesego,ke ka jalo a ileng a bona go tshwanetse go ntsha seatla sa thuso. A re go abela bana ba masiela ke ntlha nngwe ya go diragatsa matshego a tebelopele ya 2016, bogolo jang letshego le le amanang le tshaba e kutlwelobotlhoko. O supile fa dibeke tse a neng a di aba e le tsa maemo a kwa godimo; di le thata; e bile di tla ba goga dingwaga tse di ntsi ba ntse ba di dirisa kwa sekolong. Mo puong ya gagwe, o kopile batsadi gore fa di senyega di busediwe kwa go ene gore a di baakanye mahala. Rre Lesego Setlhare,yo e leng mokhanselara wa kgaolwana ya Lotsane, le ene o lebogetse maiteko a ga Rre Kgotlaetsile. BOKHUTLO society 9 Mopalamente o tlhalosa ka madi a dikgaolo tsa botlhophi Mopalamente wa Maun Botlhaba, Rre Konstantinos Markus o tlhalositse fa madi a dikgaolo tsa botlhophi a le mo taolong ya mopalamente ka ke ene a itseng letlhoko la dikgaolwana tsa gagwe ka go farologana. Rre Markus o buile seo fa a ne a buisa boeteledipele jwa kgaolo ya gagwe ka Labone mo Maun. A re jaaka e le moeteledipele wa Maun Botlhaba, o bonye go le botoka gore sephatlo sa madi ao a ngwaga ono wa ditlhabololo se dirisiwe go dira tsela ya Disaneng. Rre Markus o ne a re o bonye go le botlhokwa gore madi ao a tsweledise ditiro tse di setseng di simolotswe go na le tse di iseng di simololwe. A tlhalosa fa madi a a neng a ntshitswe go le pele a ne a sa dirisiwa sentle ka a ne a ngathogantswe dikgotlana, mme a re seo se ka se ka sa fetsa dikgwetlho tsa dikgaolwana ka nako. Ka jalo a tlhalosa fa ba tlaa dira mo go tshwanang mo nakong e e tlang ka go thusa kgaolwana nngwe ya botlhophi ka P5 million. Rre Markus a re phuthego eo, e gwetlhilwe ke dingongorego tse a di utlwaletseng go tswa mo baeteleding pele ba kgaolo eo, bogolo jang makhanselara. Le fa go ntse jalo, makhanselara ba ne ba supa fa e le boammaaruri ba ngongoregile ka kgaogano ya madi ao, ka ba re mopalamente o tsile a feditse mogopolo sa gagwe e le go ba begela kgang fela. Mokhanselara wa Mababe/Khwai, Rre Kebareeditse Ntsogotho o ne a re mopalamente o tsere tshwetso a le nosi mme e bile seo ke sone se ba se boleletseng batho. Mokhanselara wa Sankoyo/Shorobe, Rre Oabile Chombo le ene o ne a re mopalamente o ba lekodisitse ka kgaogano ya madi ao a setse a tsere tshwetso, se a reng ga se ka fa tshwanelong mme a tlatsa ka go re go setse go dirilwe ba tlaa gatela pele. Ba bogosi le bone ba ne ba tshwaela gore tshwetso e tserwe mme go agisanwe go ya pele. Kgosi wa Phuduhudu, Kgosi Johane Ngwangare ene o ne a gakolola gore boeteledipele jwa dikgaolwana ba itshwarele mopalamente ba amogele diphetogo tseo ba bone gore di tlaa ba isa kae. Kgosi wa Shorobe, Kgosi Gaditshwane Mmutle le ene o ne a gakolola boeteledipele joo gore ba tshwaragane, a re ditlhabololo ke tiro e kgolo e e tsayang sebaka e bile a re madi ao a tla ngwaga mongwe le mongwe wa madi. politics 7 Lore lo ojwa le sa le metsi Ngwana o tshwanetse go godisiwa ka tsela e e leng gore ka moso o kgona go ema fa pele ga batho e le moeteledipele e bile a dira dilo tse di siameng. Se, se builwe ke Mme Ditshupo Selepeng go tswa Love Botswana mo ipelelong letsatsi la botsogo jwa ngwana kwa kgotleng ya Shashe kwa Maun bosheng. A re tlhokomelo ya ngwana ga se go mo neela kgotsa go mo romelela madi motsadi a seyo go bona gore ngwana yoo o tshela jang, ka jalo batsadi ba tshwanetse go nna teng ka dinako tsotlhe mo botshelong jwa bana ba bone. “Tlhokomelo ya ngwana e simolola fa ngwana a setse a le mo sebopelong sa ga mmaagwe, ka jalo bomme le tshwanelwa ke go ikwadisa ka nako gore le bone dithuso tsa botsogo tse di tsepameng go supa lorato mo baneng ba lona,” a tlhalosa. Mme Selepeng o ne a gatelela fa metlha e sa tlhole e le ya maloba e borre ba ne ba sa letlelelwe go bona bomme ba bone ba belega. A re borre ba tshwanetse go supa lorato mo baneng ba bone ka go tsaya karolo ka nako ya pelegi ya ngwana. O supile fa se se godisa lorato magareng ga batsadi le bana ka rre a tlaa bo a kgona go ipaya mo seemong se mosadi wa gagwe a neng a le mo go sone ka nako ya ditlhabi tsa pelegi. O ne a rotloetsa batsadi go fa bana ba bone lorato ka dinako tsotlhe e bile a supa fa go se molato go bolelela bana ba bone ka fa ba ba ratang ka teng. Mo go tse dingwe, Kgosi Prince Shashe wa kgotla ya Shashe o ne a supa fa a sa itumela ka borre ba ne ba sa tla ipelelong botsogo jwa bana ba bone. A re mo go supa fa ba setse ba le kwa morago mo tlhokomelong ya bana, mme ba tshwanetse go ititaya ka thupana ka go tsaya karolo mo kgodisong ya ngwana go le botlhokwa gore e tshwaraganelwe. O ne a akgola bomme a tlhalosa fa go itshupa e le bone thari ya setshaba ka jalo ba tshwanetse go tswelela fela jalo ba tlhokomela bana ba bone ka e le bone bokamoso jwa lefatshe leno. education 4 Kgosi o kgala dikereke tse di gogang maoto Kgosi Baruntshi Kegapetswe wa Letlhakane, a re o tshwenngwa ke dikereke dingwe tse di sa tseneng ditiro tsa setshaba. Kgosi Kegapetswe o buile jalo ka tshipi, fa a amogela diphuthego tsa dikereke tse di neng di kokoane kwa kgotleng go tla go rapelela pula le go simolodisa kgwedi ya merapelo e e itebagantseng le twantsho ya HIV/AIDS. A re go a tshwenya go bona dikereke dingwe di sa tsibogele pitso ya boeteledipele jwa motse le baruti. Kgosi Kegapetswe a re tiro ya gagwe jaaka moeteledipele ke go bopaganya morafe, fa lekgotla la baruti lone le filwe boikarabelo jwa go netefatsa gore dikereke di goga mmogo go ruta setshaba tsela ya boammaaruri. O kopile dikereke go tshwaragana le magosi le batsadi go lwantsha tiriso ya ditagi le kanamo ya mogare wa HIV. Rre Kegapetswe a re o tshwenngwa thata ke gore batsadi bangwe mo motseng ba tsweletse ka go rekisetsa bana ditagi le majalwa mangwe a a borai mo matshelong a bone. O ikuetse mo diphuthegong tsa dikereke ka go farologana le batsadi go tshwaraganela bana le go ba baakanyetsa bokamoso. A re tiriso ya ditagi e ileng magoletsa kwa motseng oo e tlaa kgoreletsa bana go betla tsela ya matshelo a bone. O kopile gore dikereke tse di nnang di ikgogela kwa morago mo ditirong tsa setshaba di rotloediwe go dirisana le boeteledipele jwa motse le morafe ka kakaretso gore mathata a golelang pele a kgone go fenngwa. Kgosi Kegapetswe a re le fa mapodisi a tsweletse ka maiteko a go lwantsha seemo se, a kgorelediwa ke bangwe ba go lebegang ba nna ba loma barekisi ba ditagi segolo bogolo setlhatshana sa motokwane tsebe. A re se se kgoreletsa maiteko a mapodisi a go lwantsha borukutlhi ka gore fa ba goroga kwa malwapeng ao go phuruphutsa, ba fitlhela naga e ntse tshetlha, ditagi di fudusitswe. health 6 Go epa didiba mo masimo go tshwaraganya balemi le barui ka meriri Maphata a puso ka go farologana a eteletswe pele ke la ga molaodi go tswa mo Serowe ba ne ba boloditse letsholo la go isa ditirelo kwa Dimajwe bosheng. Maphata a ne a thusa ka tse banni ba di nyoretsweng go na le go di latela kwa Serowe jaaka go diragala. Ba tsere letsatsi lotlhe ba thusa morafe. Mo lephateng la kabo ditsha balemi-barui ba Dimajwe ba boletse fa molawana o o dirilweng wa go epiwa ga didiba mo masimo o ba diretse mathata. Didiba tseo di tsentse kgotlhang ya gore dikgomo di jela bangwe dijwalo, bangwe ba alwa, fa magosi a le fa gare ga naka tsa kgokong ka go letlanya le go atlhola. Balemi ba boleletse ba kabo ditsha gore jaanong barui ba huduseditse leruo kwa masimo go latela metsi kwa didibeng. Balemi ba boletse gore jaanong ga ba sa tlhole ba bona sepe mo masimo ka leruo le tsena mo masimong a a lemilweng. Rre Keobokile Mpatane o boletse fa jaanong barui ba hudisa kwa masimo mo go dirileng gore balemi ba seka ba tswa ka sepe morago ga go lema le mororo ba phakile dipeo tse di lopileng puso madimadi. O boletse fa kwa masimo jaanong go gothegile ka gore leruo le lentsi. Rre Mpatane o boletse goe fa e sale go letlelelwa go epa didiba mo masimong jaanong bangwe ba sa leme ba reka ditshimo tsa batho gore ba epe didiba gore ba nosetse barui leruo. O kopile gore molao oo o sekasekwe gore batho ba kgone go tla go lema ba ntshe dijo. A re kgaolo ya legare e kwa pele, dikgomo di uputsa balemi mo masimo mo go ngomolang pelo. Fa Rre Mazengera Ramogala a iteela kobo moroko o ne a bolela fa didiba di ba apesitse kobo ka letshoba, a re jaanong masimo a fetotswe meraka, dikgomo di ja mo masimo nako tsotlhe e bileng ka dinako tsa letsema jaana ba lela sa ga Ragele. O boletse fa ba lemela dikgomo fela. O boletse fa ba utlwisiwa botlhoko ke gore le bone beng ba dikgomo ba dira ka bomo ga ba na sepe le fa molemi a ba kuela gore leruo la bone le a senya. Rre Gabaiphiwe Gabaiphiwe ene o ne a farologana la baledi a bolela gore ba hudusiwa ke lenyora kwa merakeng, ke gone mo ba hudugelang kwa masimo ka didiba di koo. Le fa go ntse jalo, banni ba ngongoregile ka go abelwa ditsha ba bolela fa go diega. Ba kopile gore ba kabo ditsha ba ititeye ka thupana. Mo go arabeng dikgang tsa didiba, leloko la kabo ditsha e potlana ya Paje, Rre Thuso Kesetsekae o ne a tlhalosa fa bothata joo ba bo itemogetse e bile bo sa ba robatse. Rre Kesetsekae a re maikaelelo a puso go dira molawana oo e ne e le gore balemi ba epe didiba mo masimong a bone gore ba kgone go kabakanya temo-thuo, ba kgone go nosetsa fa go tlhokafala ka nako e dipula di leng boutsana. A re maikaelelo ga se hudusetsa leruo kwa go lengwang teng. O boletse gore ba ba dirang jalo ba tlola molao mme e bile ba emise ka ponyo ya leitlho. A re fa go ka tswelela go diragala tiro ya mohuta oo lekgotla le tlaa tswala didiba tseo. society 9 Modiredi o rotloetsa botsogo jo bo lolameng Mmaboitekanelo wa kokelwana ya Leetile kwa Mahalapye, Mme Bohutsana Moseki, o rotloeditse batsadi go nna le seabe mo kgodisong ya ngwana. O buile se bosheng fa a simolodisa dithuto tsa letsatsi tsa go kala bana le go fa batsadi ba bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano dikgakololo ka tlhokomelo ya bana. A re batsadi ba tshwanetse go itse borai jwa dilo tse di ka amang botshelo ebile tsa feletsa di gapile botshelo jwa lesea. O supile fa bana ba tshabelelwa ke letshololo mme se se ka rarabololwa ka go tlhomamisa tikologo e e phepa ka dinako tsotlhe. Mme Moseki a re go amusa ngwana ka lobotlele go kgona go nna borai mme a kopa batsadi go tshepha kopi go na le lebotlele ka le se motlhofo go phepafadiwa. A re mo gongwe ngwana o tlogelwa ka lebotlele, go sena yo o mo tlhokometseng, go bona gore a o le dirisa sentle. A re ngwana o kgona go kgangwa ke mashi fa a nwa ka lebotlele seemo se se ka bakang le leso fa go sena yo o mmeileng leitlho. A re lebotlele le kgona go tlogelwa ka mashi mme a feletse a senyegile. Mme Moseki a re seabe sa motsadi mo kgodisong ya ngwana se akaretsa go itse le go tlhaloganya mekento ya ngwana le malatsi a sekale. A re lephata la botsogo le boitekanelo le ruta batsadi ka se fa ba tsisitse bana go kalwa mme a kopa kemo nokeng ya batsadi go netefatsa gore bana ba tla sekaleng kgwedi le kgwedi le fa dijo tsa mophako di seyo. Go dira jalo a re e tlaabo e le sekao sa gore ngwana ga a ye sekaleng fela go batlelwa dijo mme ba tsaya dikalafi le go bona gore ngwana o gola sentle. A re mo bogologolong, bontsi jwa batsadi ba ne ba sa itse go bala le go kwala, mme ba botsogo ba ne ba tlhamile dipina tse di neng di ba gakolola mekento e bana ba tshwanetseng go e tsaya ebile batsadi ba ne bas a ipone tsapa. O kaile fa mo nakong ya gompieno, karata ya ngwana e na le mekento e ngwana a tshwanetseng go etsaya le dikgwedi tsa yone. Mme Moseki o tlhagisitse fa mo nakong tsa dipula, bokgola bo ka tla ka bolwetse jwa dibokwana mme a rotloetsa batsadi gore ba seka ba lebala go tseela bana kalafi ya bolwetse jwa dibokwana. O kopile gore bana ba nne le mophuthelwana wa motswako wa letshololo le pilisi ya letshololo e bitswang Zink Sulphate. A re metswako eo, e fiwa ngwana fa a ka tsholola go feta gararo mo letsatsing. “Le fa o file ngwana motswako oo, ragosetsa ngwana kwa kokelwaneng, o ntse o tsweletse ka go mo nosa, go emisetsa letswai, metsi le maatla a a tswang mo ngwaneng ka nako ya a ntse a tsholola.” Mme Moseki a kgothatsa. O supile fa tatlhegelo ya metsi mo mmeleng wa ngwana, e ka baka phaphalalo ya molomo, go lapisega le go wela ga phogwana mo go ka gapang botshelo jwa ngwana. health 6 Tautona wa ntlha e ne ele mogaka Merafe ka go farologana e na le sengwe se ba tumileng kana se ba itseweng ka sone, mme fela jalo ngwao ya Batswana e melediwa mathe ke bontsi, selo se se neng sa tlhotlhelediwa thata ke Tautona wa ntlha Sir Seretse Khama yo o neng a rotloetsa Batswana go ipelafatsa ka segabone. Le fa a sa thole a le botshelo, mafoko a gagwe a gore tshaba e e senang ngwao ke mokang e sule, a santse a tshela e bile a gakologelwa ka one. Go ne go tshegetsa ngwao mo, ke gone mo go ngokang bajanala mo bogompienong go tla mo lefatsheng go ithuta ka botshelo jwa Batswana. Se se ne sa supafala mo potsolotsong le batsogapele ba ba mo itsing bobe kwa kgotleng ya Makolojwana kwa Serowe ba ba boletseng fa tautona wa ntlha a ne a le motlotlo ka bone golo a go robetseng,ka a ne tlhokometse ditso, a le lerato la o ka swa nka go ja. Bagolo ba boletse fa Sir Seretse Khama e ne e le mogaka, sekgantshwane sa go itse puo, ngwao le ditiro tse di nang le bokao ka go goga le go betlela lefatshe leno tsela mo dikgannyeng tsa sepolitiki le tlhabololo ya botshelo jwa Motswana. Rre Kebonyeng Ketshabetswe yo o ngwaga tse 80 a re ga gona pelaelo gore tsela ya tsamaiso lefatshe ya nako eno e betlilwe ka ponelopele le boitsaanape jwa boetelediepele jwa motia ja ntlha. Rre Ketshabetswe wa mophato wa Leholosa, yo rraagwe e neng ele mongwe wa bathusi ba gagwe ka na lelata, a re Sir Seretse Khama e ne e le moeteledipele wa popota e bile a dirile ka natla go bopaganya setshaba. “O dirile ka thata go tlhabolola ditso le ngwao, a ruta merafe e e farologanyeng ya Botswana go tlotlomatsa ngwao le puso ya batho ka batho. Rre Ketshabetse a re jaaka moeteledipele yo o nang le tebelopele, o ne a ngoka babeeletsi ko mafatsheng a moseja go tla go nkga-nkga ba bo ba epa ditswammung tse di neng tsa tlhamela Batswana mebereko. O ne a simolotse ka moepo wa diteemane wa Orapa mme go tswa foo ga bulwa wa BCL kwa Selebi-Phikwe, ntswa bangwato ba ne ba le bete se molangwana ka BCL ba sa batle lefatshe la bone le dirwa matshwagotshwago ka go epiwa. A re ditlhabololo di ne tsa tla ka monokela le mororo lefatshe le ne le humanegile thata, a supa fa bogologolo go ne go sena ditsela tse di tshetsweng sekontere, go tsaya nako ya malatsi a mararo go tswa Serowe go ya Ghanzi. Rre Senamo Josephs, wa mophato wa Matsosa, o kaile Seretse a ne a tetse kagiso. A re nako ya fa Tautona wa Zimbabwe wa nako eo, Ian Smith a ne a tshwenya thata a tlhasela Botswana, o ne a kgalema a gatelela botlhokwa jwa dipuisano. A re o ne a se mahife, a a ja se se jewang ke batho ba a nnang le bone. A re fa go jewa Kgwathe/Gopane, le ene o tlhakana le batho a a ja, fa go jewa phane le e ne o e tsenya mo pateng o tsamaya a e gautsa mo loetong. Rre Josephs yoo tshotsweng ka 1940 o boletse fa ba ntse thata mmogo kwa Sefhare le kwa Borotsi kwa a neng a lema teng thata. Sir Seretse Khama o belegwe mo lelwapeng la bogosi jwa Mmangwato ka kgwedi ya Phukwi e rogwa ka ngwaga wa 1921, a tlhokafala ka ngwaga wa 1980 e le Tautona wa ntlha wa Botswana. arts_culture_entertainment_and_media 0 Borre ba kopiwa go potlakela malwetse Kgaolo ya Distance kwa Selebi Phikwe e ne e tshwere moletlo go rotloetsa banna go nna le boikarabelo mo go tsa botsogo. E rile a amogela batsena moletlo, Kgosi Mark Thipe o ne a rotloetsa borre go leka go ikatumetsa le go ikamanya le moono mogolo wa tsa botsogo. “Borre re saletse morago thata le tsa botsogo, a re kopaneleng dikgwetlho, kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa,” a tlhalosa. Kgosi Thipe a re fa wa mme a tshwere kafa, rre a tshware kafa ba ya go tsaya molaetsa ke selo sa botlhokwa. Mo go tse dingwe, Kgosi Thipe, o supile fa kgaolo ya Distance e sa robalelwa ke ditlhokwa ntateng ya dintsho tsa dipolaano tsa baratani, tse di ileng ko godimo. Fa a fa moono wa moletlo, moeteledipele wa baoki mo lefelong la Distance, Mme Karina Alona a re maikaelelo ke go gogela borre go ya go thusana nabo mo ditirelong tsa botsogo. A re ba batla le go thusa go tlhaloganya mabaka a bone a a ba kgoreletsang go akola ditirelo le dithuto tse di ba lebaganyeng ka go farologana ga tsone le go nna maoto a tshupa mo go itlhatlhobeng mogare wa HIV. “Dintsho tsa bo rre di kwa godimo, dipalo tsa borre ba ba tshwarwang ka malwetse a dikobo di kwa godimo, bomme ba thusiwa nako e santse e le teng bo rre ba tla morago, mme se se a re tlhobaetsa.” A tlhalosa. Fa a tlatsa, mothusa rra Toropo wa Selebi-Phikwe Mokhanselara Molefi Pilane a re fa ba kgopanakgopanang teng, ba atamele fa bathong ba buisane. A re go simolola go le monate, mme go felele go le botlhoko mme a re a go rata e se nne ke go feletsa botshelo, mme fa o sa tlhola o rata motho, nwaya metsi pelo e wele, mme o amogele yoo mongwe fa a sa batle. Mokhanselara Pilane a re monna yoo senang boikarabelo ka botshelo jwa gagwe ga se rre, tlhaloganyo le megopolo e e mentle e tswa mo mmeleng oo itekanetseng. O supile fa bontsi jwa nako bomme ba ema ka dinao mo tsa botsogo, mme se se supa fa borre ba sa tseye boikarabelo jwa botsogo jwa bone. Gape o supile fa ba botsogo ba ka neela dithuto le bogakolodi, mme tshwetso e tsewa ke motho, ka jalo ba tshwanetse ba eme ka dinao ka botsogo ka jaana itsholelo ya lefatshe e ka amega health 6 Makgalemele o lebogela tirisano mmogo Mopalamente wa Shoshong, Rre Phillip Makgalemele o tsweletse ka go buisa diphuthego tsa kgotla go laela batlhophi ba kgaolo eo. Rre Makgalemele yo o neng a tlhophiwa go nna mopalamente ka ngwaga wa 2009, o boletse mo diphuthegong tse a neng a di buisa kwa metseng ya Kalamare, Mmutlane, Mokgenene, Poloka, Otse, Kodibeleng le Moralane gore le fa bangwe ba ne ba ngongoregela tiego ya ditlamelo mo kgaolong le go seegelwa kwa thoko ditiro dingwe ntateng ya tlhaelo ya madi, seo ga se reye gore ba ne ba sa dirisane nae sentle. A re le ntswa gona le ditlhabololo dingwe tse di saletseng kwa morago jaaka motlakase, ditlhaeletsano le ditsela tse di sa siamang mo metseng e tshwana le Moralane, Ikongwe, Mokgenene, Poloka le Tobela, o bone go le matshwanedi go iteela batlhophi ba kgaolo ya gagwe legofi ka fa ba berekileng mmogo ka teng. A re ele batho ba kgaolo ya Shoshong, ba tshwanetse go ipelafatsa ka ditiro tse di dirilweng mo metseng ya bone jaaka kgokelo ya motlakase, ditlhaeletsano, kago ya diofisi tsa makgotla a Setswana le kago ya matlwana a borutelo le matlo a boroko jwa barutabana kwa dikoleng tsa Otse le Moralane. Rre Makgalemele o tsweletse ka go rotloetsa batlhophi ba kgaolo ya gagwe go baya dikarata tsa bone tsa tlhopho le tsa Omang sentle go ipaakanyetsa ditlhopho tsa setshaba tse di tla tshwarwang kgwedi ya Phalane ele masome a mabedi le bone mme a boa a ba kopa gape goya go tlhopha ka dipalo tse dintsi, go dirisa tshwanelo ya bone ya go itlhophela baemedi ba mapalamente le makhanselara. E rile banni ba metse eo ba mo kgwa kgaba, ba lebogela ditsela tsa sekonotere, kgokelo ya motlakase le kago ya diofisi tsa makgotkla a Setswana kwa Kalamare, Mmutlane, Mosolotshane, Kodibeleng le Otse, mme ba re ba ka itumela go menagane fa mmuso o ka tshela sekonotere tsela ya Mosolotshane/Moralane le tsela e tshwaraganyang metse ya Otse, Mokgenene, Poloka le Dibete. Dingwe tse banni ba metse eo ba di lebogetseng ke mananeo a ISPAAD, LIMID, nyeletso lehuma le la Ipelegeng, ka ba kgonne go a dirisa go ikinola mo lehumeng ka go reka dikgomo, dihutshane le go simolola dikgwebo tse dipotlana fa lenaneo la Ipelegeng lone le diretse Batswana segolo jang ba metse ya magae ditiro. Bokhutlo politics 7 Mothusa tona o tswa go thula matlotla Go tlhoka thulaganyo ga bodiredi jwa ofisi ya temo-thuo kwa Lentsweletau go kgoreleditse maiteko a go etela mananeo otlhe a lenaneo la nyeletso lehuma kwa motseng oo. Mothusa tona wa madi le ditogamaano tsa ditlhabololo, Rre Vincent Seretse o ne a rulagantse go etela ditiro tsa nyeletso lehuma tse di akaretsang ditshingwana tsa merogo mo digotlong, thuo ya dihutshane, baroki le ba kapei mo kgaolong ya Kweneng Botlhaba. Maiteko ao kwa Lentsweletau a ne a sa atlega ka jaana bodiredi bo ne bo sa iponatsa le fa e le go dira thulaganyo ya go nna teng ga beng ba ditiro tseo. Le fa gontse jalo, mothusa tona o ne a tswelela ka go ipontsha ditshingwana tsa merogo le fa bontsi jwa merogo bo ne bo sule mme go se na tekodiso ya tse di kgoreletsang katlego. Ke tshingwana e le nngwe fela ya ga Mme Ikgopoleng Rapai e mong wa yone a kgonneng go iponatsa ntle le gore le yone e ne e kaega e sule ka mabaka a go kgorelediwa ke go tsena sekole le go tlhokomela ngwana to o lwalang tlhaloganyo mme a patelesege go phuaganya tshingwana ya merogo e e neng e mo leretse botshelo. Ntlha eo e ne ya hakgamatsa mothusa tona gore lephata la boipelego le ikgatholositse go thusa mme yoo ka jaana go raya gore ngwana o tsena sekole se se sa mo solegeleng molemo ka jaana se se na ditlamelo tse di lebaneng seemo sa botsogo jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, mothusa tona o ne a kanoka masingwana a le matlhano ka fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma le fa a ne a kgorelediwa ke go sa nna teng ga modiri yo o lebaganyeng ka go bo a ne a sa tla pitsong ka a ne a sa tsoga. Maiteko a go kopa modiri yoo go tla kwa kgotleng a ne a seka a tswa dipe fa mothusa molaodi wa Kweneng, Rre Delva Ghanie a ne a boelela kwa go ene makgetho a le mararo mme go ntse go sa tswe dipe. Rre Seretse o ne a sala a eme tlhogo a re o dumela fa kitsiso ya loeto lwa gagwe e tsile ka nako. Bokhutlo society 9 ‘Okelang borre kwa kerekeng’ Mokgothatsi go tswa kwa kerekeng ya Lontone mo Maun, Mme Motlagomang Maochadza o gwetlhile dikereke go tswelela di ngokela borre mo tumelong. A re bontsi jwa dikereke bo phophoma ka maloko a bomme mme borre ba santse ba le maoto a tshupa go inaakanya le dikereke. O buile jalo jaaka fa a ne a kgothatsa ba kereke ya Spiritual Healing bosheng. A re go a itumedisa ka yone e gatetse pele go ngokela borre mo tumelong. Mme Maochadza a re ke selo se sentle go bona borre bogolo jang banana ba ikgogela kerekeng a re botlhoka tsebe malatsi ano bo iphile maatla ebile banana ba saila mo mebileng. A re kereke ya Spiritual ke sekao mo dikerekeng tse dingwe ka jaana borre ba tsaya karolo mo ditirong tsa kereke jaaka moopelo le tse dingwe. O ne a eletsa e ka re dikereke tsei dingwe di ka tsaya malebela mo go yone ka ditiro tsa yone di molemo t. A re maloko a kereke eo a tshwanelwa ke go iteelwa legofi ka jaana ba tlotla le yone kapari ya bone. A re le dipina tsa dikereke tse dingwe ba di natefisa ka molodi wa kopelo ya bone. Le fa go ntse jalo, Mme Maochadza o ne a lebogela tirisanyo ya kereke eo le ya Lontone a re go le gantsi ba emana nokeng mo ditirong ka jaana botlhe ba direla Modimo a le mongwe. Mongwe wa bagolwane ba Spiritual go tswa Matsiloje, Mma- Bishop Morwadi Rantsudu o ne a kgothatsa phuthego ya Maun le Letlhakane go thulanya ditlhogo gore ba ntshe seabe sa bone mo kagong ya ntlo ya ditso e e tsweletseng kwa Matsiloje kwa kereke eo e thaetsweng teng. O boletse fa kgaolo ya Bobonong/Matsiloje e gatetse pele ka jaana ba kgonne go ntsha P10 000 mo kagong ya ntlo eo mme a kopa makalana a kereke otlhe lefatshe ka bophara go emela tiro eo ka dinao go re e atlege. O supile gape fa ba tsile ka methale e e farolganyeng go kgobokanyetsa tiro eo madi. A re ba na le tiro ya ‘Reka setena ka P5’ a supa fa le one e sa tsamaye jaka ba ne ba solofetse ka jaana maloko a santse a goga dinao. Ntlo eo e tshwanetse go bulwa semmuso ka Phatwe jaaka kereke eo e tlaa bo e ipelela segopotso sa dingwaga tse di masome a marataro le botlhano e ntse e le teng. Mma-Bishop Rantsudu o boleletse phuthego eo fa bontle bo itirelwa, ka jalo a ba gwetlha gore ba di goge kwa pele ka go sena ope yo o tswang kwa ntle go tla go ba direla tiro. E re dikgang di eme jalo, ba mokgatlho wa Mother Choir go tswa mo Maun ba dirile dikopi tse di supang ditlhogo tsa basimolodi ba kereke eo ba lelwapa loora Motswasele. Dikopi tseo di tlaa rekisiwa e le tsela nngwe ya go kokoanya madi a a a tlaa thusang go tlhabolola kereke ya Maun. Go supilwe fa dingwe tsa dikopo tseo di tlaa isiwa kwa ntlong ya ditso gore dikokomane tse di tlang di ithute ka ditso tsa kereke eo. Mohumagadi wa mookamedi wa kereke, Bisho Tiny Motswasele o ne a akgola maiteko a ba mokgatlho wa Mother Choir a re ba dirile ditso. O gwetlhile maloko ka kakaretso go ema maiteko a bone nokeng ka go reka dikopi tseo ka a re di tshwere molatesa o o botlhokwa o o supang otlhala wa kereke. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Neelang ba lwala tlhaloganyo seriti Setshaba se rotloeditswe go tsibogela go neela balwetse ba botsogo jwa tlhaloganyo seriti. E rile a bua mo segopotsong sa bolwetse jwa tlhaloganyo, se se neng se tshwerwe ke sepatela sa Scottish Livingstone kwa Molepolole, mogolwane wa tsa botsogo, Mme Gaboelwe Rammekwa a tlhalosa fa batho ka kakaresto ba tshwanelwa ke go lebelela seemo se, ka jaana se akaretsa setshaba sotlhe. O ne a supa fa go tlwaelesegile gore batho ba sie kgotsa ba nne le boitshwaro jo bo sa amogelesegeng fa ba bona kgotsa ba kopana le batho ba go nna jaana. O ne a tswelela ka go supa matshwenyego a gore bangwe ba tshega batho ba go nna jaana ba ba tlaope e bile b aba bitse maina aa sa siamang. Mme Rammekwa ne a tlhalosa gore batho ba tshwanetse go tlhaloganya gore bolwetse jo bo kgona go ama mongwe le mongwe a supa fa go tlaopa batho bao go sa siama. O ne gape a tlhalosa fa bolwetse jo bo gola mo Botswana le mo lefatsheng ka bophara, a sedimosa gore batho ba ka feta dikete tse masome a mararo mo Botswana ba amilwe ke bolwetse jwa botsogo jwa tlhaloganyo. A re masika ke bone ba ba tshwanetseng go simolodisa go fa balwetse ba bone seriti mme ba ba tseye jaaka batho, a supa gore seo se ka otlololela boitsholo joo kwa sechabeng ka kakaretso. Mme Rammekwa a re se, se na le seabe mo botsogong jwa molwetse ka jaana, fa a tshwarwa sentle, a tlotlwa e bile a tsewa jaaka motho, go kgona go tokafatsa seemo sa gagwe. O ne a gatelela ntlha ya gore bolwetse jo, ke bolwetse fela jaaka malwetse a mangwe e bile bo sa dirwe ke boloi jaaka batho bangwe ba akanya. Mme Rammekwa o ne a rotloetsa masika go gakolola ka bodiphatsa jwa go dirisa diribatsi di tshwana le metokwane, go nwa bojalwa phwtelela, go goga metsoko le tse dingwe a tlhalosa fat se, se se na seabe se setona fela thata go ka tsenya motho bolwetse joo. health 6 Temo ya sesha e ntsha maduo Mothusa tona wa temo thuo, Rre Oreeditse Molebatsi o rotloeditse balemi ba Paje go lema ba dirisa mekgwa ya segompieno. Fa a bua kwa moletlong wa go lebogela pula le thobo kwa motseng oo bosheng, Rre Molebatsi o tlhalositse fa balemi ba ka akola maduo a lenaneo la ISPAAD ka go lema ka mekgwa ya segompieno. A re go dirisa mekgwa ya temo ya segompieno, balemi ba ka fenya dikgwetlho tse di apesitseng temo jaaka dipula tse di boutsana. O tlhalositse fa go lema ka ditselana go tokafatsa thobo fela thata, a supa fa molemi mongwe kwa motseng wa Sefophe a bone dikgetse di le makgolo a mabedi, masome a mararo le metso e mebedi mo diekereng tse nne, fa kwa Mosotshane molemi mongwe a bone dikgetsi tsa mabele di le masome a fera bobedi le botlhano mo temeng e le nngwe ka one mokgwa o wa temo. A re selelo sa gore bokgola bo a sia e tshwanetse ya nna selo sa maloba, ka go lema ka ditselana go tshwanetse go dirwa fa bokgola bo se bontsi. Rre Molebatsi a re go dirisa chefi go bolaya mhero ke mengwe mekgwa ya segompieno e e ka tokafatsang thobo. A re ga gona mafoko a boaammaruri a a tshwananang le setlhogo sa letsatsi leo, se se neng se re, ‘Tlhabololo ya temo go oketse thobo’ Rre Molebatsi o tlhaloseditse balemi ba koo gore lenanano la ISPAAD le tla tswelela mono ngwaga. A re balemi ba tla lemelwa, ba phakisiwe dipeo, monontshane le chefi e bolayang mhero mahala. Mothusa tona o ne tlhalosa fa puso e se kake ya duelela batho ba ba tlaa lemang ka go gasa, ka go sa ntshe maduo. O tlhalositse fa maduo a ISPAAD a bonala fela thata, a supa fa Botswana e di goga kwa pele mo pegong ya mafatshe a SADC e e supang gore mafatshe a okeditse dijo ka bokete jo bo kae mo bathong ba one. “Kwa Lesotho ba okeditse ka bobedi mo lekgolong, South Africa ka masome a mabedi le bongwe mo lekgolong, kwa Zimbabwe ba okeditse ka masome a supa le borataro mo lekgolong. Ka ntata ya ISPAAD, Botswana e okeditse ka masome a matlhano le bobedi mo lekgolong”, mothusa tona a tlhalosetsa batsena moletlo. A re fa ISPAAD e simolola, dijo kgotsa thobo e ne e le masome a mararo le borataro jwa dikete tsa ditone mme ngwaga ono ke makgolo a mabedi a diketse tsa ditone. O ne a gatelela gore thobo ya ngwaga ono e botoka fela thata, a tlatsa ka go tlhalosa fa jaanong e le nako ya go ruta batho gore ba ka babalela thobo jang gore e seka ya jewa ke tshupa. Rre Molebatsi o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba le mo thulaganyong ya go reka dimatshine tse di tlhaolang thobo ka fa go tshwanetseng tse di tlaa dirisiwang kwa BAMB. O ne a fa sekai gore fa molemi a tla ka dinawa tse di sa tlhaolwang sentle, matshine oo o tla tlhaola tse di siameng mo go tse di sa siamang. A re ka jalo, se, se tla itsa madiadia a go busa balemi go ya go ithulaganya sentle. O ne a gakolola balemi go dira ditlhopha gore puso e tle e ba teratelele masimo le go ba epela didiba Fa a tsibogela matshwenyego a kgosi ya motse oo, Rre Lefeletse Koonyatse, a gore beng ba ditshukudu tsa temo ga ba na didirisiwa tse di lekaneng, le kopo ya gore go dirwe lenaneo la go ba thusa go reka didirisiwa tsa temo, Rre Molebatsi a re ba ka dirisa banka ya NDB go ba thusa ka madi a go reka didirisiwa tse di tlhaelang. Kgosi Koonyatse yo o lebogetseng dipula tse di namagadi o ne gape a supa matshwenyego a gore go tlhaela ga digogi go dira gore balemi ba siiwe ke bokgola. O ne a leboga Tautona wa lefatshe leno go rotloetsa morafe go rapelala pula, a bo a leboga puso ka lenaneo la ISPAAD. Mo pegong ya modulasetilo wa komiti ya balemi, Rre Johhannes Phefo o supile fa batho botlhe ba ba lemileng ba le makgolo a ferabongwe le masome a mane le botlhano ba lemile ditema di le 955 ngwaga wa temo o o fetileng. Mo go bone, ba le masome a matlhano le metso e mene ba lemile ka ditselana mme ba lemile ditema di le lekgolo le masome a matlhano le bofera bongwe. A re fa motho a gasa o ka bona dikgetsi di le tharo mo temeng mme fa a lemile ka ditselana o ka bona di le lesome le botlhano mo temeng. Le ene fela jalo, o ne a lela ka tlhaelo ya didirisiwa tsa temo, a re ke gone ka moo batho ba le bantsi ba sa kgonang go lema ka ditselana. A re ba latlhegetswe ke thobo ya selekanyo sa lesome mo lekgolong ka ntata ya tshenyo ya dinonyane. society 9 Seemo sa matlwana a boithomelo se a tshwenya Banni ba motse wa Thamaga ba buile ba sa kgwe mathe ka seemo se se maswe sa matlwana a boithomelo a a mo dikolong, se ba reng beile botsogo jwa bana ba bone mo diphatseng Ba buile se mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa thuto Rre Patrick Masimolole ka Labone Mopitlo a tlhola malatsi a le lesome le bobedi kwa Thamaga. Banni ba boleletse tona gore matlwana a boithomelo a leswe mo go tlhabisang ditlhong mo e bileng mo dikolong dingwe bana ba ithoma fela mo terateng ya sekolo. Ba kopile tona gore a kukunele dikolo ka bongwe ka bongwe. Ba re, ntlha e nngwe e e bakang leswe ke go tlhoka metsi mo matlwaneng a boithomelo le diphaepe tse di tshabelelwang ke go senyega kgapetsa kgapetsa. E ne yare a akgela, mongwe wa banni ba motse Rre Sekao Mpuseng, a bolelela tona gore dikolo di beetswe seelo se di tshwanetseng go se fitlhelela fa go tla mo dikagong le phepafatso ya tikologo mme se ga se diragadiwe. A re ntswa khansele e le yone e bayang seelo se, e nna yone gape e sa diragatseng melao e mo dikolong. A re go tshwanetse ga nna le thulaganyo ya gore go nne le batho ba ba tlhokomelang dikolo kgotsa konteraka go fokotsa ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa go baakanya. Fa a begela tona seemo sa thuto mo motseng, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Rre Mosipuri Mogorosi o tsibosa tona fa dikolo tse dipotlana di butswe go sena dijo mme o kopile gore seemo se se tokafadiwe ka bonako. A re bontsi jwa matlwana a boapelo ga a mo tirisong a mangwe ga a ise a dirisiwe fa e sale a agiwa. A re bodiredi le matlwana a borutelo bo a tlhaela. Mme le fa go ntse jalo o tlhalositse fa dikolo tsa Thamaga bogolo jang tse dipotlana di tsweletse ka go tokafatsa maduo. Fa a tshwaela mo matshwenyegong a banni, mokwaledi yo mogolwane wa khansele potlana ya Mogoditshane/Thamaga, Rre Milton Keitshokile, o tlhalositse gore khansele e ne e lela ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa metsi, jalo e dirile ditshekatsheko tse di supang gore go tsaya lebaka go sa baakanngwe matlwana a boithomelo mo dikolong e bile di methara tse di balang metsi le tsone ga di bereke sentle. A re dilo tse ke tsone tse di bakang ditlhwatlhwa tse di kwa godimo le lone leswe le le kanakana. A re le fa go ntse jalo, khansele e dirile thulaganyo e mo go yone ba kopileng batho ba ba farologaneng ba lenaneo la tirelo setshaba ba ba tla bong ba lebelela paakanyo ya dikolo. A re phepafatso ya matlwana a boithomelo ke boikarabelo jwa sekolo ka khansele yone e ntshitse batho ba ba phepafatsang. O tsweletse a tlhalosa gore selo se se bakileng tiego ya go rekela bana dijo ke gore dijo pele di ne di rekwa ke puso mme jaanong thulaganyo e, e neetswe dikhansele go nna tsone di rekang dijo. A re go ne ga nna le madiadia mme seemo se mo taolong. BOKHUTLO health 6 Boipelego bo ka isa Botswana kwa pele Go nna le mowa wa go ipelega le popagano mo morafeng go ka fetola matshelo a bone ga ba ga isa Botswana ko pele. Fa a bua ko moletlong wa kabo ya dimpho tse di tswang mo go ba mokgatlho wa bomme wa Lentswe la Bomme Phatwe a le lesome le bosupa, Kgosikgolo Mosadi wa Balete o ba akgotse thata a tlhalosa fa mekgatlho ya go tshwana le e e le botlhokwa thata go aga setshaba. A re ba mokgatlho wa Lentswe la Bomme ba supa fa ruri mosadi e le thari ya setshaba ka go bo ba na le mowa wa boithaopo le lerato a ba rotloetsa gore ba tshware fela jalo. Kgosi Mosadi o akgoletse ba mokgatlho oo go itlama go etelela pele ka sekai sa go tsholetsa matshelo a batho ka go bo bana ba tlaa ithuta go le gontsi mo go se ba se direlang kgaolo ya bone. O rotloeditse bomme go ema borre nokeng, go tlhakanela ditiro le bone le go rerisanya le bone ka se se ka fedisa kakanyo ya gore bomme ba batla tekatekano, a gatelela fa therisanyo e le konokono mo go ageng setshaba se se tiileng. Fa a tswelela, o kopile bomme go kgalema le go gakolola ka thata bana ba basetsana mo kgodisong ya bana ba bone a re banana ba tshwanetse go tsaya boikarabelo mo go ikgodisetseng bana sentle ka tlhompho fela jaaka batsadi ba bone ba ne ba ba ikgodisetsa. A re go utlwisa botlhoko go bo banana bangwe ba latlhela bana ba bone ko basadi bagolong mme ba ba ikgatholose se se dirang gore ba seka ba bona tlhokomelo le lerato le le tshwanetseng. A re bana ba felela ba sa gole sentle mme ka bana e le bone baeteledipele ba kamoso batsadi ba seka ba fela pelo go ba tsenya mo tseleng go dira se se tshwanetseng. Moeteledipele wa mokgatlho wa Lentswe la Bomme, Mme Khabe Olaotse, o tlhalositse fa mokgatlho wa bone o sa ntse o bopagantswe ke lerato le tshwaragano, ka go bo ba dumela thata mo go ipelegeng. A re mokgatlho o o simolotse ka ngwaga wa 2003 e le mokgatlho wa bomme ba thapelo fela mme ka ntlha ya pharologanyo ya ditumelo ba felela ba fetola tsamaiso gore ba kgone gore ba amogele bomme ba bangwe maikaelelo e le go tsisa diphetogo. O galaleditse bomme ba mokgatlho o ka kgatelopele ya bone le ka go tswelela ba dira diphetogo a fa sekai ka dingwe tse ba setseng ba di dirile jaaka go agelela mabitla a dikgosi tsa bogologolo sesha le go amogela molelo wa kgolagano ka lorato le popagano. O tlhalositse fa ba ipela ka go apara Setswana ba bo ba baya dikobo tse di tshweu mo magetleng fa ba digela tiro nngwe le nngwe e ba e dirileng, go gatelela gore pelo e tshweu, mmatla sa gagwe o se bone. O akgotse dikgosana tsa dikgotla tsotlhe go bo ba ba eme nokeng go fitlhelela dimpho tse ba di abileng mo letsatsing le a re thotloetso ya bone e raya go le go ntsi mo mokgatlhong wa bone. Mokgatlho o o abetse kgotla ditilo di le lekgolo le sekole se sebotlana sa Tonota dikobo di le masome a marataro le botlhano. politics 7 Mokgatlho wa shegotja molelo o tshwere bomme Motlapele o boletse a re mabogo dinku a a thebana e bile setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata. Mafoko a, a rurifaditswe ke bomme ba Motokwe ba ba supileng fa e ne ya re ba le mo tirelong ya phitlho kwa Letlhakeng ba kgatlhwa ke ka fa bomme ba mokgatlho wa Shegotja Molelo ba motse oo ba neng ba tsamaisa phitlho ka teng, selo se se neng sa ba gapa maikutlo mme ba ya go itshimolodisetsa mokgatlho kwa motseng wa bone. Mo potsolosong le Mme Phiritshwane o ne a supa fa mokgatlho o tsweletse ka go thusa banni ba motse, a kaya fa mokgatlho o, e le nngwe ya ditlhabololo tse di amogetsweng ka gore o thusa batho ba le bantsi go boloka masika le ditsala ka tlotlo. O supile fa ba ne ba bona go le maleba go simolola mokgatlho o, ka go ne go na le batho ba ba neng ba goga bokete go boloka masika ka phitlho e tura. O tlhalositse fa maloko a masha a lopiwa P100 mme e re go tsweng foo ba ntshe P50 kgwedi le kgwedi. A re gompieno lefatshe le tsere phekelo e sele ka malatsi a botshelo bo tletse dihawa, mme gape go na le diemo tsa tshoganetso jaaka dikotsi tsa ditsela, ka jalo batho ba sa nne le nako ya go baankanyeta phitlho, mme a rotloetsa banni, bogolo jang banana go inaankanya le mokgatlho o gore le bone ba tle ba kgone go bona dithuso. O ne a supa gape fa go le botlhokwa gore batho ba nne ba ipaakantse ka dinako tsotlhe gore ba masika ba seka ba sala ba thatafalelwa ke go ba fitlha. Mme phiritswane o ne a supa fa mokgatlho wa bone o sa itebaganya fela le maloko, a kaya fa e kile ya re mo dingwageng tse di fetileng ba kgona go thusa mongwe wa batho ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka go mo fitlha. A re ba thusitse gape bana ba sekole se sebotlana sa Motokwe ka paka ya sekole. society 9 Lebelo le le kwa tlasetlase le borai Modulasetilo wa khansele ya borwa, Rre Leach Tlhomelang a re molao wa tsela o tshwanetse go sekasekwa bogolo jang fa o buang ka lebelo le le letlelesegang. Rre Tlhomelang a re e re le ntswa go na le mabaka a mantsi a a bakang dikotsi mo tseleng, lebelo le le kwa tlase mo go feteletseng le lone le na le seabe. A re se se dirwa ke gore molao wa lefatshe leno o supa fela lebelo le letona le le letlelesegang, mme go sena fa bakgweetsi ba letlelelwang go felela teng mo lebelong le le kwa tlase. A re bakgweetsi bangwe ba dirisa molao o o botlhaswa ka go tsamaya ka lebelo le le kwa tlase-tlase ba itse fa ba ka seke ba tshwarwe. O ne a bua jaana kwa moletlong wa segopotso sa ba ba amilweng ke dikotsi tsa tsela wa kgaolo potlana ya Mabutsane kwa motseng wa Morwamosu bosheng. Moletlo o o ne o kopantswe le wa mafatshefatshe wa bana-le-bogole. Rre Tlhomelang a re sebaka se gorogile gore molao wa lefatshe leno o sekasekwe go tsewe malebela mo mafatsheng a mangwe a a tlhabologileng ka jaana loebelo le le kwa tlase mo go feteletseng le lone le na le seabe mo dikotsing tsa tsela. A re ditsela tsa lefatshe leno di ditshesane ka jalo bakgweetsi ba ba tsamayang ka lobelo lo lo kwa tlase ba ka dirisa ba ba lekang go ba feta dikotsi. Le fa go ntse jalo, modulasetilo gape o supile fa go kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo le gone go le borai mo matshelong a badirisa tsela botlhe ka go farologana. A re bontsi jwa banana ba kgatlhwa ke go reka dikoloi tse di tabogang thata mme ba di dirise botlhaswa mo tseleng ebile ba sa rekegele bakgweetsi ba bangwe le batsamaya ka dinao. O boile gape a kopa bakgweetsi gore ba nne kelotlhoko mo ditseleng ka jaana bontsi jwa ditsela tsa lefatshe leno di le mo seeming se se maswe. A re ere ntswa gona le matshwao a a sa bonaleng sentle mo ditseleng, bakgweetsi le bone ba na le mokgwa wa go itlhokomolosa matshwao a tsela. Rre Tlhomelang o kopile bakgweetsi go netefatsa gore dikoloi tsa bone di itekanetse sentle ebile le dithaere di mo seemo se se siameng. O boletse fa gape go le botlhokwa gore dikara tsa ditonki di gokelwe dibenyabenyi gore bakgweetsi ba kgone go di bona ba sale kgakala, bogolo jang bosigo ka go a be go le lefifi. Fa a bua ka tsa bana-le-bogole, modualsetilo o kopile banni ba metse ya kgaolo potsala ya Mabutsane go fa bana-le- bogolo maikarabelo a ditiro tse di farologanyeng. A re bana le bogolo ba tshwanetse ba fiwa sebaka sa gore le bone ba nn le seabe mo ditlhabololong tsa lefatshe leno. O kgadile mowa wa gore batho ba ba nang le bogole ba kgaphelwe ntle mo ditirong tsa setshaba, a tlatsa ka gore bangwe ba bone ga ba rate go nenekediwe ka ntlha ya bogole jwa bone.Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Tautona o sirolola Okavango Delta Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama o sa tswa go amogela sesupo sa go tsenngwa ga makgobokgobo a Okavango go nna lengwe la maremelelo a bojanala a a itsegeng lefatshe ka bophara. artTautona o ne a ba a fiwa setlankana se ke tona wa lephata la diphologolo le bojanala, Rre Tshekedi Khama a se amogetseng go tswa kwa go ba United Nations Educational, Scientific and Cultural Organisation (UNESCO). Makgobokgobo a Okavango a amogetswe go nna maremelelo a bojanala mo lefatsheng monongwaga ka Seetebosigo kwa Doha, Qatar. Fa a bua kwa moletlong wa katlego eo, Tona Khama a re go tsenngwa ga makgobokgobo mo mafelong a botlhokwa a mafatshefatshe ke ba UNESCO go botlhokwa mo Afrika fa go lebilwe gore ke one fela a neng a akarediwa monongwaga. A re mafelo a mangwe a le mararo a Afrika a ne a seka a atlega. Fa a tlhalosa ka seo, Tona Tshekedi Khama o rile mafatshe a a farologaneng a tla ka maina a mafelo a one a bojanala, ka jalo lefelo le ka amogelwa, la busediwa kwa morago kgotsa la beelwa nako e e tlang. A re se se pharologanyo ka go akarediwa ga makgobokgobo a Okavango ke gore a amogetswe go se na sepe se se baakanngwang ka one, mme a re se se raya gore tiro ya go kopa gore a akarediwe e ne e dirilwe ka botswerere thata mo e leng gore ga go ope wa komiti yo o boneng go tlhokafala gore go fetolwe sepe kgotsa go akarediwe sepe se se ka tswang se tlogetswe kwa ntle. A re puso ya lefatshe leno e ikaeletse go sireletsa di-tsa tlholego le tsa ngwao go sa kgathalesege gore a di akareditswe mo matlotlong a tlholego a mafatshefatshe. Tona Khama o tshephisitse lefatshe ka bophara gore puso e tlaa tswelela e bereka le batsaya karolo ka go farologana, segolo jang ba ba nnang go bapa le makgobokgobo ao ga mmogo le mafatshe a Angola le Namibia go somarela lefelo leo. Fa a akgela, mogolwane wa National Museum and Monuments, Rre Gaogakwe Phorano o akgotse botlhe ba ba thusitseng puso mo go amogelweng ga makgobokgobo ao mme a re se se raya gore komiti ya mafatshefatshe ya World Heritage e na le dilo dingwe tse e solofelang gore lefatshe leno le di dire ngwaga le ngwaga. A re go tshwanetswe ga dirwa pego e e yang kwa komiting eo e supa ka fa lefatshe leno le tlhokomelang makgobokgobo ao ka teng mme a supa fa pego ya ntlha e le ya 2016 ka Tlhakole mme morago ga moo go solofelwa gore e dirwe morago ga ngwaga tse nne. Go ipelela se, Tona Khama o tsere tshwetso ya go isa moletlo o kwa Maun le Shakawe ngwaga oo tlang Tlhakole a le masome mabedi le bone ka tshwaragano le ba Botswana Post go simolodisa ditempe tse di supang go amogelwa ga makgobokgobo. arts_culture_entertainment_and_media 0 Batswana ba tlhoka thuto ka CEDA Lekgotla la CEDA le gakolotswe go tlhagafalela go ruta setshaba ditsamaiso tsa lone go ba tlhofofaletsa go dirisa mananeo a lone ka botlalo. Fa mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Ndinani Makhulela a akgela mo mafokong a moeteledipele wa lekgotla leo mo phuthegong e e tsweletseng ya khansele ya Bokone Botlhaba bosheng, o ne a supa fa go na le banana ba ba sa itseng gore ba letlelesega go ipopa setlhopha mme ba kopa dithuso tsa madi tsa lenaneo la balemi-barui ba banana (Young Farmers Fund). A re go tshwaraganela kgwebo moo go ka thusa banana go bona kadimo e kgolwane ka monana mongwe le mongwe a tlaa bo a lejwa ka boene le ntswa kgwebo e le ya bone botlhe. O ne a kaa fa thulaganyo e e ka thusa bagwebi ba banana go lepalepana le ditlhotlhwa tse di kwa godimo tsa didirisiwa tsa temo-thuo, tse a supileng fa gantsi monana a ka seke di kgone tsotlhe ka kadimo ya gagwe a le mongwe. O gakolotse batho go latlha kakanyo e e atileng ya gore kgwebo e ka atlaga fela fa mong wa yone a ikemetse ka nosi. Mokhanselara yoo o ne a kopa ba CEDA go tsamaya le metse ba ruta batho ditsamaiso tsa bone. Go sale foo, mokhanselara Makhulela o ne a akgolela ba CEDA go nolofatsa dingwe tsa ditsamaiso, jaaka gore jaanong ba letlelela lenaneo la kgwebo (business plan) le le kwadilweng ka Setswana. Mokhanselara wa Moroka Rre Edward Makhumalo ene o ne a lela a re ba CEDA ba gogela moja wa kobo fela ka fa bananeng. Rre Makhumalo o ne a supa fa tsamaiso e e gatelela bagolo ba ba eletsang dithuso tsa madi a temo-thuo. A re se se botlhoko ke go bo bagolo ba ba iteetsweng kwa ntle ba, ba ikiteile sehuba go ka nna kwa merakeng le kwa masimo go tlhokomela dikgwebo tsa bone fa banana bone ba sa ntse ba kgatlhwa ke botshelo jwa ditoropo. E ne e rile go le pele, moeteledipele wa CEDA Rre Thabo Thamane a lekodisa makhanselara ka ditsamaiso tsa CEDA, a tlhalosa fa mangwe a maikaelelo a bone e le go rotloetsa mowa wa go tlhoma le go tsamaisa dikgwebo, go rotloetsa kgolo le go tswakanngwa ga itsholelo ga mmogo le go nna manontlhotlho mo go neeng dikgwebo ditirelo tse di di tlhokang. Rre Thamane o ne a re bagwebi ba banana ba ka pataganela kgwebo mme ba kopa dithuso tsa madi kwa lekalaneng leo. Le fa go ntse jalo o ne a kgalema bagolo ba ba itshunyang nko mo dikgwebong tsa banana, boemong ja go ba fa thotloetso. A re bangwe ba tsosa tlhakatlhakano mo dikgwebong tsa bana. Mo ntlheng ya gore ba sekametse fela ka fa bananeng, Rre Thamane o ne a ganetsa, a re se ba se batlang fa ba sekaseka kopo ya mogwebi wa mogolo ke thulaganyo e e papametseng ya gore o ya go tlhatlhangwa ke mang mo go tsamaiseng kgwebo eo. Rre Thamane o ne a itsese makhanselara fa go sena boammaaruri go re lekgotla la la CEDA ga le thuse ba ba ba ruelang mo lefatsheng la morafe. A re ga se nnete go re ba thusa ba dipolasi fela,a tlhalosa fa ba thusa ba meraka fa ba kgotsofatsa ditsetlana tse di beilweng di kakaretsa gore moikopedi o ya go dira jang ka twantsho malwetse, tsadiso le jone tota bogodu jwa leruo. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Banni ba akgolela puso mananeo Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Nata, Rre Gobusamang Ntshese o lebogetse mananeo a puso jaaka Ipelegeng, nyeletso lehuma le a mangwe go bo a thusa batho. Rre Ntshese o buile jalo fa a rola pego ya komiti kwa phuthegong ya kgotla e buisiwa ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama kwa motseng oo ka Labone. A re le fa ntswa ba lebogela lenaneo la Ipelegeng, ba ngongoregela dipalo tse ba di neetsweng tsa batho ba ba berekang mo go lone. O ne a bolela fa ba neetswe palo ya batho ba ba masome a robabobedi le bongwe, mme a re palo eo e nnye thata ka kgaolo ya bone e aparetswe ke letlhoko le le tona mme a kopa gore ba okelediwe palo go nna lekgolo le masome a matlhano. E ne e rile pele fa a amogela baeng, Kgosi wa Nata, Kgosi Rebagamang Rancholo a lebogela Tautona go bo a ba etetse. Kgosi Rancholo o ne a supa fa borukutlhi bo sa ba jese diwelang bogolo jang bogodu jwa leruo gammogo le diphologolo tsa naga. Gape o ne a lela ka majalwa a a titielwang mo malwapeng, a re ba lekile go kgalemela mme ga go nko e tswang lemina, a re ba nna ba le mo ditshekong tse di diragalang kwa majalweng ao. Kgosi o ne a kopa gore ba okelediwe mapodisi le badisa ba diphologolo go leka go laola seemo seo le katoloso ya diofisi tsa mapodisi. Monni wa Nata, Rre Dzingilani Salani o ne a lela ka diphologolo tse di bolayang leruo la gagwe kwa lefelong la CT 6. O ne a tlhalosa fa a setse a bolaetswe dikgomo di le lekgolo le masome a le mararo le dihutshane di le lekgolo ke ditau le mangau. Rre Salani a re se se utlwisang botlhoko ke gore puso ga e mo phimole dikeledi jaaka e le tshwanelo, go bolelwa fa a ntse mo lefelong la diphologolo, mme ene a re ke matlotla a bone. Fa a araba, tona ya tikologo, diphologolo le bojanala, Rre Tshekedi Khama o ne a tlhalosa fa lefelo la CT 6 e le la puso ka jalo ope a sa letlelesege gore o ka ruela mo go lone kana go nna mo go lone. Mothusa mookamela mapodisi a Botswana, Rre Bruno Paledi fa a tsibogela kopo ya kgosi ya go okelediwa mapodisi o ile a bolela fa batla fiwa ba le lesome. A re diofisi le matlo a mapodisi ba santse ba tshwerwe ke letlhoko la madi, a re motlhang madi a bonala, ba tla simolola go di aga. Rre Paledi o ile a kopa batho go tshwaragana le mapodisi go lwantsha borukutlhi, a re le fa ba ka ntsha palo e e kalo ya mapodisi, bone ka nosi ga ba kake ba kgona. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Maduo a Pandagala a wetse kwa tlase Mothusa mogokgo wa sekole se segolwane sa Pandagala kwa Tutume, Mme Chedu Seeletso, a re maduo a sekole se o a ngogola a wetse tlase fa go tshwantshanngwa le a ngwagatlola. Mme Seeletso o buile se mo phuthegong ya batsadi le barutabana bosheng. A re ngwagatlola maduo a A, B le C e ne e le 79.7 per cent fa a ngogola e ne e le 74.9 per cent, mme mo godimo ga moo baithuti ba le lekgolo le masome a mabedi mo go baba lekgolo le masome a supa le bongwe ba ba neng ba kwala lokwalo lwa boraro, ba kgonne go bona phatlha kwa sekoleng se segolo mme mo go bone go le ba ba tsereng D. O ne a tlhalosa fa seo se ne sa baya sekole mo maemong a botlhano mo dikoleng tse di lesome le bobedi tse di mo kgaolong ya Tutume, fa mo kgaolong ya Legare se le mo maemong a masome a mararo le bone mo dikoleng tse di masome a robang bobedi le bongwe. Mme Seeletso o bolela fa mo maduong ao go supagala fa basimane ba wetse tlase thata e bile ba gaisitswe ke basetsana. A re fa ba sekaseka, ba lemogile gore bontsi jwa baithuti ba basimane ba ba sa direng sentle, e le ba ba sa utlweng. Mme Seeletso o ne a kopa batsadi go tshwaraganela thuto le barutabana le go leka go bontsha bana ba basimane tsela, le go ba lemotsha botlhokwa jwa thuto. O ne gape a kopa batsadi go lebelela tiro ya bana ya sekole, ka go kile ga nna le kgang ya gore barutabana bangwe ba ba laela baithuti go kopolola mokwalo mo dibukeng ba sa ba tlhalosetse sepe. Mogokgo Thandie Motlhagodi ene o ne a kopa batsadi go duela madi a sekole le a letlole la komiti ya batsadi le barutabana. A re ka gompieno go dirisiwa maranyane a sesha, ba ka duela madi a sekole gongwe le gongwe mo lefatsheng fa go nang le sekole se segolwane. O ne a supa fa ba tshwenngwa ke tshenyo e e dirwang ke baithuti mo dithotong tsa sekole, a re seo ke poelo morago.Batsadi ba ne ba supa fa le bone ba tshwentswe ke kwelo tlase ya maduo, ba re gongwe e ka tswa e le go fetolwa ga lenaneo la dithuto mme seo se katle baithuti tlhogo. Bokhutlo education 4 Tshireletso o rotloetsa tiriso ya mananeo Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso, o boleletse banni ba Mahotshwane, Sekoma le Khonkhwa kwa kgaolong ya Jwaneng/Mabutsane gore ba tshwanetse go akola mananeo a ba a neelwang ke puso. A re ba tshwanetse go ipela ka se puso e se ba diretseng ka go lwantsha mogare wa HIV le AIDS a bolela fa gompieno Botswana a gatetse pele mo dingwageng tse di masome matlhano. Mme Tshireletso a re lephata la gagwe le ikaeletse go tlhokomela botlhe ba ba tlhokileng lesego jaaka ba-na-le-bogole, balwetse ba tlhaloganyo, bana ba ba senang batsadi le botlhe ba go bonwang ba tlhoka thuso ya puso. O ne a gakolola banni gore thuso e ba ka e bona mo go ba boipelego, komiti ya ditlhabololo tsa metse le mokhanselara ka tshwaragano ya bone. E rile a leboga mopalamente wa kgaolo, Rre Shawn Ntlhaile, a re e re ka kgaolo e wetswe thata ke lehuma, go a itumedisa go amogela ditsholofetso tsa ga tona. O ne a kopa gore go nne le dikole tsa bananyana gore thuto e gole le maduo a dikole tse dipotlana e nne a a botoka. Rre Ntlhaile a re mananeo a siame sebe sa phiri ke letlhoko la metsi mo kgaolong. A re fa metsi a ka tla sentle mo bathong, mananeo a ka atlega. O ne a kopa bodiredi jwa puso go tswaraganela tiro gore maiteko a puso a seka a wela fa fatshe mme le bone ba ba tsayang mananeo ba tlhokomele gore go nne le maduo a a ka isang ba bangwe kwa pele. education 4 Mmuso o abetse kgaolo potlana ya Mahalapye P150 000 Mmuso o abetse kgaolo-potlana ya Mahalapye P150 000 go keteka meletlo ya boipuso jwa mono ngwaga. Se se boletswe ke modiri wa lephata la boipelego, Mme Veronica Kalabante mo phuthegong e e neng e tsenwe ke baeteledipele ba motse jaaka dikgosi, magosana, makhanselara, maloko a komiti ya ditlhabololo le molaodi wa kgaolo, Rre Bakuedi Masole. Mme Kalabante o boletse fa mo mading ao, a a tlaa kgaoganngwang ka metse e le masome a mane le bone, motse wa Mahalapye o abetswe P49, 493. Mo phuthegong eo, Rre Masole, Kgosi Tsoebebe Segotsi le Kgosi Tshipe Tshipe ba kopile gore boipuso jwa mono ngwaga bo ketekelwe mo kgotleng kgolo boemong jwa go ketekela letsatsi leo mo dikgotlaneng jaaka go ntse go diragala mo dingwageng tse di fetileng. Ba tlhalositse fa go ketekela meletlo ya boipuso mo dikgotlaneng go dira gore batho ba seka ba ya go itheeletsa molaetsa wa ga Tautona mo kgotleng kgolo ka dipalo tse di nametsang. Le fa go ntse jalo, bangwe ba supile fa ba le kgatlhanong le mogopolo wa go ketekela boipuso mo kgotleng kgolo, mme bontsi jwa batho ba ba neng ba tsene phuthego eo ba supile fa ba dumelana le mogopolo oo ka jaana kgotla kgolo e le gone kwa go kopanelwang teng go lekodisana ka ditlhabololo tsa motse. Kgosi Tshipe yo e leng leloko la Ntlo ya Dikgosi, o tlhalositse fa a tshwenngwa ke go tlhoka go tshwaragana ga baeteledipele ba motse jaaka dikgosi, mapalamente, makhanselara, komiti ya ditlhabololo, molaodi le mokwaledi wa khansele ntswa e le bone ba ba tshwanetseng go goga morafe kwa pele mo ditirong tsa setshaba di tshwana go baakanyetsa boipuso. A re go tlhabisa ditlhong gore e re go setse malatsinyana gore Batswana ba bo ba ipelela dingwaga tse di masome matlhano le motso lefatshe leno le ntse le ipusa, mo Mahalapye komiti e e neetsweng boikarabelo jwa go baakanyetsa letsatsi leo e bo e ise e kgone go kopana le gompieno. Bangwe ba magosana ba tlhalositse fa batho ba dikgotlana tsa bone ba kgonne go ikgobokanyetsa madi go itumelela letsatsi leo mo dikgotlaneng tsa bone e bile ba ngongoregela gore batho ba ba tlhophiwang mo komiting ya boipuso ga ba ke ba lekodisa setshaba ka madi a a dirisitsweng mo letsatsing leo, mme ba bolela fa seo e le sone se se dirang gore batho ba goge dinao mo ditirong tsa setshaba. BOKHUTLO politics 7 Makhanselara a Borwa a rola matshwenyego Makhanselara a kgaolo ya Borwa ba sa tswa go kopa khansele gore letsatsi la go rekisa le go ipapatsa mo dikgwebong tsa morafe tsa diatla le tshwanetse la tseelwa kwa godimo eseng go dira ditshupegetso fela. Makhanselara a Borwa a buile jalo fa ba akgela mo puong ya modulasetilo wa khansele ya Borwa Rre Leach Tlhomelang bosheng. Mokhanselara wa Ranaka Rre Kenalemongwe Mopipi, a re, o eletsa gore letsatsi la go rekisa le ipapatso le nne la morafe, a bolela gore kwa Ranaka ba kile ba le leka mme la atlega. A re, le gompieno letsatsi le, le ntse le tsweletse le a bereka. Rre Mopipi o tsweletse a re, komiti ya ditlhabololo tsa motse e bereka go itsise morafe gore go nne le phuthego ya letsatsi la ipapatso, a re o batla gore letsatsi le, le seka la tsewa jaaka letsatsi la ditshupo. O tsweletse a kopa gore matlo mangwe a batlhoki a agelelwe ka beng ba one ba sena bokgoni bope jwa go ikagelelela. O file sekai ka a le mabedi a a reng a agilwe kwa kgaolong ya gagwe kwa Ranaka. Mme Maobene Molefe, mokhanselara wa Goodhope, a re, seemo sa dipone tse di laolang dikoloi se a tshwenya ka di nna fela di sa bereke, a fa sekai ka tse di fa diofising tsa mapodise tsa Sejelo. O boletse fa le tse di fa Bangwaketse filing station di sena sesupo sa go supegetsa dikoloi tse di tswang kwa King George gore di tsena leng. Mokhanselara Molefe o ngongoregile ka madi a a fiwang bana a dikgaisanyo tsa banana tsa dikgaolo, a re , ga a nne le mosola mo bananeng ka ga go bewe leitlho gore a ba a dirisa sentle. O boletse gore o eletsa segolo go ka bo go bonwa gore a madi a, ba a dirisa go reka paka ya metshameko le ditlamelo tse dingwe tse ba di tlhokang fa ba le mo dikgaisanong tse. Mme Molefe a re, o eletsa gore tota go batlisiwe gore a madi a banana ba a dirisa ka fa tshwanelong kgotsa ga a ba tswele mosola. Mokhanselara wa Maokane/ Tsonyane Mme Utlwanang Seakgo e ne a re, sekolo se se botlana sa Lefoko ga sena ntlo e ntsha ya boapeelo e bile go santse go dirisiwa dikgong go apaya. A re se, se baya babereki ba ba apayang ba sekolo seo ka fa mosing ka ke sone fela mo kgaolong ya gagwe. Mme Seakgo o tsweletse a re, seemo sa borukutlhi kwa Konyane ga se jese di welang ka gore sepodise sa Jwaneng ga se nke se ya diphuthegong le fa ba laleditswe tota. A re, banni ba Tsonyane ba utswelwa leruo go bo go ya fela jalo go sena ope yo o ka dirang ditlhotlhomiso. O boletse gore banni ga ba tseye baithaopi ba ba lwantshang borukutlhi tsia, ka jalo go tsisiwe special constables, gongwe ke gone go ka nnang botoka e bile seemo sa borukutlhi seka wela tlase. Bokhutlo politics 7 Sepatela sa Tsabong se mosuke Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Tsabong, Rre Wilpard Gotlop, o ngongoregile ka mosuke wa kokelo ya Tsabong. O supile ngongorego e mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi Borwa yo ebileng gape e le mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae mo kgotleng kgolo ya Tsabong bosheng. Rre Gotlop o ne a tlhalosa fa kokelo e amogela balwetsi go tswa mo metseng e ka nna masome a mabedi le bone ee mo kgaolong eo. O kaile fa go na le tlhaelo ya boroko jwa balwetsie fa ba robalang teng le baimana fa ba amogetswe mo kokelong seo, tlhaelo ya didirisiwa le bodiredi bo akaretsa dingaka le baoki. Modulasetilo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa mo nakong ya gompieno go setse go na le malwetse a a farologanyeng a a setseng a amile setshaba mme a tshwanetse go tsibogelwa le go potlakelwa ke ba bongaka ka bonako jo bo kgonagalang. Rre Gotlop o ne a supa fa gantsi go nna mola o mo leele kwa kokelong ka lebaka la bodiredi jo bo tlhaelang. Fa tsibogela dingongorego tseo mogolwane mo kokelong ya Tsabong mme Agelinah Sampson o ne a dumalana le banni ba motse oo ka mosuke mo kokelong eo. O ne a kaya fa ba lephata la botsogo ba itse seemo sa kokelo eo fa se tshwanetse go atolosiwa mme sebe sa phiri e le letlhoko la madi mme se tlaa atolosiwa fa seemo sa itsholelo se ka tokafala. Mme Sampson o ne a tlhalosa fa go na le tlhaelo ya dingaka ka go na le di le nne fela mo kokelong eo, o ne a supa bangwe ba dingaka ba tlogetse tiro ka mabaka a go ya go berekela go sele go ya go batla mafulo a matalana health 6 Ga ba itumelele ditsela Banni ba Shoshong ba ngongoregile ka ditsela tse di mo motseng wa bone ba re ga di a siama. Banni ba supile ngongorego ya bone mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona mo ofising yaga tautona le bodirela puso yo e bileng ele mopalamente wa kgaolo ya Shoshong, Rre Philip Makgalemele, bosheng. Ba re ditsela tse di fa gare ga motse di setse di le dikhuti ka go lebaka di sa gopiwe mme e bile pula di diepile. Ba tshweletse ka go supa gore fa dipula dina bana ba dikole ba tshwaragana le bothata jwa go ya dikoleng ka ditsela di abo di tletse metse go sena fa bana ba ka tsamayang teng. E ne ya re go le pele Kgosi ya motse Kgosi Sejakgomo Ntsaga a lekodisa mopalamente ka tsa motse wa gagwe, a tlhalosa fa ditsela tse e setse ele mesima fela. Kgosi Ntsaga a re se se botlhoko ke gore jaanong ditsela tse, di ba senyetsa le tsone dikoloi. A re go lebaka ba ntse ba buile ka ditsela tse di ralalang motse wa bone mme le nako eno. Banni ba ne ba ngongorega gape le ka dikgwa tsedi fa gare ga dikgotlana tsa bone, ba re ga di a ba siamela ka jaana dirukutlhi di kgona go itseela dikobo ka dikgoka le go amoga batho ditsa bone gone mo dikgweng tse. E rile fa a rola kitsiso ya komiti ya ditlhabololo tsa motse, leloko la komiti Mme Mpho Phagenyana a tlhalosa fa ba tshwenngwa ke badirela puso b aba nnang mo mo matlong a bone mme ba sa duele madi a boroko. Mme Phagenyana a re ba kolotiwa madi fela a mantsi ke ba direla puso a kabong a thusa mogo tlhabololeng motse wa bone. O ne a re ere le seemo se ntse jalo, ga ba a ipona tsapa ele ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse ka ba ne ba dira maiteko a go agela motlhoki ntlo mme ba ntsha madi ao mo dipateng tsa bone ka bane ba setse lenaneo la ga tautona labo pelo tlhomogile. Mo go tse dingwe, Mme Phaenyana o ne a kopa gore puso le bone e ba sekasekele mo dituelong tsa bone ka jaana ba ikaegille thata ka lenaneno la ipelegeng. Fa a tsibogela dilelo tsa banni ba kgaolo ya gagwe, Rre Makgalemele one a lebogela banni go bo bane ba lekodisitse modulasetilo wa khasele potlana ya Mahalapye ka bothata joba kopanag le bone ja ditsela. Mme le fa go ntse jalo o ene a tlhalosa fa bothata ele madi mme one a tlhalosa fa a ne a kopile ba khansele gore baka dirisa ditena go baakanya ditsela mme ba batle mothale o oseng turu go dira ditena tse di ka dirisiwang go baakanya ditsela tseo. Rre Makgalemele are ba khansele baka dirisa lenaneo la nyeletso lehuma le ipelegeng go dira ditena tse dika dirisiwang go baakanya ditsela tseo gore go seka ga nna turu thata mme bontsi jwa madi bo dirisiwe kogo direng ditsela. One a kopa banni gore le bone banne ba ipopa digonwana ka dikgotla tsa bone mme ba fokotse dikgwa tse di mo dikgotleng tsa bone gore ere ba kopa thuso kwa khanseleng le bone babo tsweletse ka go supa maiteko a bone. Fa a tswa la gagwe go tswa kwa lephateng la ditsela la khansele potlana ya Mahalapye Rre Bafiti Monkatswi a thalosa fa bane ba gopa sekgwa se se fa gare ga motse wa Shoshong le Mosolotshane ka katakata mme se se fagare ga Ikongwe/Shoshong sone se tshwanetswe go dirwa ke ba lephata la le letona la ditsela. Rre Monkatshwi o ne a tlhaosa fa ditsela tse di mo motseng,ba nale dikatakata tse pedi mme bodiredi ke bone bo boneng ba tlhaela mme bane ba romela bodiredi kwa dikoleng go ya go ithuthuntsha gore bate ba dire tiro eo. One a solofetsa banni gore ditsela ditla dirwa mono ngwaga, are ba kabo ba simolotse ka kgwedi eno ya Motsheganonge simologa, mme jaanong batla simolola kgwedi ya Seetebosigo ka jaana di tswhwanetswe go gopiwa gape ka kgwedi ya Phalane. Rre Monkatshwi are ka dikgwa tsedi fa ga re ga motse bat la kop aba ipelegeng gore ba direme bone babo batla ka katakata gotla go digopa, Are tsela e eyang kwa sekolong se sebotlana sa Shoshong e maswe fela thata ka dikhuti tsa teng di ditona gagona fab aka bayang borogo teng mme mo lenaneong ka dithabololo la NDP11 la kgopo ya metsi batla akaretsa fabaka bayang borogo teng. Mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya mahalapye Mme Malebogo Ramatu one a rotloetsa ba dikomiti tsa ditlhabololo gore banne ba kwalela kwa offising ya ga molaodi mabapi le badirela puso baba sa dueleng matlo a bone gore batle ba bathuse ba buwe le baeteledipele ba maphata ka badiredi ba bone gore ke eng basa duele boroko. Mme Ramatu o ne a ba rotloetsa gape gore ba nne ba dira mokwalo wa tumelano le motho gore otla duela jang pele a tsena mo ntlong gore go tle go ba thuse go ba sekisa fa ba palelwa ke go duela. BOKHUTLO society 9 Seemo sa dikole se tshwenya kgosi Kgosi Phokontsi Seeletso wa Mmadinare a re o tshwenngwa ke seemo sa dikole tsa motse wa gagwe, se se dirang gore barutabana ba tshware phage ka mangana mabapi le boitshwaro jwa baithuti jo bo sa itumediseng. Kgosi o buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke ba Mmadinare Development Trust bosheng. A re barutabana ba sekolo se sebotlana sa Letsibogo le se segolwane sa Merementsi ba na le bothata jwa go tla thari ga bana gammogo le go tla ba le leswe, fa bangwe ba tla ba gogile dilo tse di farologaneng di akaretsa motokwane le glue. Kgosi a re go supagala fa mo malatsing a gompieno batsadi ba itlhokomolositse tlhokomelo ya bana ba bone. O tlhalositse fa barutabana ba setse ba tshaba go otlhaya bana ba sekole ka ba a ba lwantsha.. Kgosi Seeletso o kopile batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana ba bone e sere morago ba bo ba supa lephata la thuto le barutabana ka monwana. A re ga se gore fa barutabana ba gompieno ba le bannye ba seka ba tlotlwa. Modulasetilo wa koporase ya Mmadinare, Rre Moseki Moseki e rile a kgwa kgosi kgaba, a kopa banni ba Mmadinare gore ba nne ba tsena diphuthego gore ba kgone go lekodisiwa ka dikgang tse amang motse wa bone. Fa a ama tsa koporase, Rre Moseki o tlhalositse fa bokopano jwa koporase bo tshwarwa ngwaga le ngwaga, mme supa fa a sa itumelele ka go sa tseneng diphuthego tsa koporase ka teng. O tlhalositse gore ka tshwanelo dikomiti tsotlhe tsa motse di tshwanetse go nna di kopana di abelana bogakolodi. Rre Moseki o tlhaloseditse morafe fa koporase ya Mmadinare e le ya bone ka jalo ba tshwanetse go tswa ka megopolo e e ka thusang gore koporase e gole. A re koporase ya Mmadinare e lebanwe ke letlhoko la madi fa e sale letsomo la diphologolo le emisiwa ka ba ne ba ikaegile ka thekiso ya ditlou. Mothusa modulasetilo wa koporase ya Mmadinare Rre Ditshupo Ntwaagae a re ba ithutile go le gontsi morago ga gore letsomo la diphologolo le emisiwe. A re ba dule ka megopolo e tshwana le go nna le thuto seka dipuisano tse di akaretsang boeteledipele jwa motse jaaka dikgosi le makhanselara go betla tsela gore ba ka dira madi ka tsela efe. O tlhalositse fa koporase ya Mmadinare e na le dikago tse e ka di hirisang go tsenya madi mo letloleng ,go dira botsalano le bo radikgwebo jaaka go beeletsa le gone go tlhabolola setsha sa Eco- Lodge se se ka dirisediwang go rekisa dilwana tse di dirilweng ka diatla di tshwana le ditlatlana . O tlhalositse fa ba na le bothata jwa gore ba ofisi ya ga molaodi kwa Mmmaduinare ga ba nke ba tsena diphuthego tsa koporase. O kopile morafe gore mo nakong e e tlang ba tlhophe banana ba ba nang le bokgoni jwa go tsamaisa koporase ka ba ka tlisa megopolo e mesha e e ka e tlhabololang. A re ba na le bothata jwa go tlhoka motho yo o rutetsweng tiriso ya madi. E rile a leboga Rre Eric Masalila yo eleng leloko la koporase ya Mmadinare a kopa ba ba nang le kitso ya go dira ka diatla jaaka go loga le go betla go ikopanya le ba komiti ya ba koporase gore ba tle ba amogane dikitso tsa go nna jalo . O kopile komiti e kgologolo go bereka le e ntsha go kgona go tsweledisa maikaelelo a bone. BOKHUTLO society 9 Ba batla mmaagwe lesea Mapodisi a Maun a mo patlong ya ga mmaagwe lesea le le fitlhetsweng le latlhilwe e bile le tlhokafetse mo kgotleng ya Moeti ka mafelo a beke. Mo potsolotsong, mookamela mapodisi a Maun, Superintendent Kenanao Badumetse o boletse gore ba begetswe tiragalo eo ka Matlhatso ke mme mongwe yo a tlhalositseng fa e ne ya re phirimane ya letsatsi leo, a bona dintsa di dupa gaufi le jarata ya gagwe, di bo di katolola pampiri e ntsho. Supt Badumetse o tlhalositse gore mme yoo o ne a fitlhela mophuthelwana o o neng o bofilwe ka letsela, o e rileng go o keleka a fitlhela e lelesea. Mookamela mapodisi o boletse gore lesea le go neng go lebega le na le malatsi a mabedi le tshotswe, le ne la ragosediwa kwa kokelong e kgolwane ya Letsholathebe go tlhatlhojwa ke dingaka mme di fetile tsa rurifatsa fa le tlhokafetse. Supt Badumetse o ne a kopa botsadi le setshaba ka kakaretso go ba thusa go batla mmaagwe lesea leo fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di sa ntse di tsweletse. crime_law_and_justice 1 Bomme ba rotloediwa go tsaya karolo mo ditlhophong Bomme kwa Lerala ba rotloeditswe go lemoga botlhokwa jwa ditlhopho le go tsaya karolo ka go nna bo ntlhopheng mo dikgaolong tsa bone. Se se builwe ke mogolwane kwa lekgotleng le le tsamaisang ya ditlhopho la IEC kwa Palapye, Rre Oaitse Thipe, kwa thuto puisanong e e neng e tsenwe ke bomme go tswa mo diphathing tsa sepolotiki le makalana a a farologaneng. Rre Thipe o ne a lemotsha bomme fa go le botlhokwa go itse go le gontsi ka tsamaiso le molao motheo, o o netefatsang tsamaiso e e lolameng ya ditlhopho. Rre Thipe o boletse fa tlhopo e le tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe, e aga isago ya lefelo le motho a nnang mo go lone, mme ka go rialo a rotloetsa bomme go ikwadisetsa ditlhopho. A re tlhopho ke yone tsele ya go betla bokamoso. Mongwe wa bomme yo o sa tswang go emela ditlhopho tsa bokhanselara kwa kgaolong ya Lerala, Mme Tshoganetso Morake o boletse mo potsolosong fa e ne e le lantlha a emela ditlhopho, mme le ntswa a ne a seka a fenya o boletse fa se sa sa mo kgoba marapo. Mme Morake o boletse fa bomme e le thari ya setshaba, a tlhalosa fa bangwe ba godisa bana ba le nosi go nna bagaka ba lefatshe leno, mme se a re ke sone se seneng sa mo gwetllha gore le ene e le mme o ka etelela kgaolo ya gagwe. O boletse fa gangwe le gape bontsi jwa bomme, ba tshelela mo kgatelelong ya borre le ntswa go na le mananeo a nyeletso lehuma. O ne a nankola baeteledipele ba bomme ba tshwana le tona wa tsa mesepele le bong, Mme Dorcas Makgato le Mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso, a re ba mo tiisa mooko gore le ene a itse fa a ka kgona. Fa a tswa la gagwe, Mokhanselara wa Maunatlala, Mme Salome Lesole, yo e leng mongwe wa bomme ba ba nang le dingwaga mo go tsa sepolotiki, o boletse fa a simolotse go tlhopha ka ngwaga wa 1976 a le ngwaga tse dilesome le boroba bobedi. Mme Lesole o ne a tlhalosa gore ke ka moo a neng a simolola go nna le kgatlhego mo go tsa sepolotiki, go fitlhela a emela ditlhopho tsa bokhanselara kwa kgaolong ya Boteti. A re ntswa a ne a nna a fenngwa, mowa wa boitlhobogo o ne o seyo mo go ene, ka ane a ikiteile sehuba gore ka lengwe la malatsi o tla fitlhelela kwa a goyang. Mokhanselara Lesole o tlhalositse gore e rile ka ngwaga wa 2009, a nna mokhanselara yo o itlhophetsweng. BOKHUTLO politics 7 Tirelo Setshaba e supa bopelotlhomogi Banana ba Palapye ba ba dirang mo lenaneong la Tirelo Setshaba ka fa tlase ga lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng ba supile mowa wa bopelotlhomogi ka go abela banana bangwe ba ba tlhokileng lesego mo botshelong dimpho di akaretsa melora e e tlhapang le e e tlhatswang gammogo le tse ditlolo. Fa a bua mo boemong jwa badiri ka ene, Mme Kefilwe Kgatiso o boletse fa ba lemogile gore batho ga ba kgone go amogela bonyenyane jo ba nang le jone le go ithuta go tshela ka jone. O tlhalositse fa ba ikemiseditse go ruta batho gore ga se gore motho o tlhokana le madi a mantsi gore a tshele sentle, a a fa sekai ka bone gore puso e ba atswa ka makgolo a matlhano a dipula fela, mme ba a a lebogela ka ba kgona go itshetsa ka one. O kopile banana ba Botswana go emisa mokgwa wa go nna ba ngongoregetse ruri, a supa fa ba le lesego thata ka ba na le puso e e nang le mananeo a a kgathalang ka matshelo a bone. Mme Kgatiso a re ba na le maikaelelo a go kwadisa mokgatlho o ka one ba itlamang go kgothatsa banana ba bangwe, go ba fa dikgakololo, go ba ruta lefoko la Modimo, go ba ruta ka botlhokwa jwa mananeo a puso le go ba thusa ka ditsela tse di tlaa dirang gore ba ikemele ka nosi. O boletse fa go itshwarelela ka Modimo e le yone tsela e e ka faphang banana mo ditseleng tse di sa siamang. A re ga go a tshwanela gore e re fa motho a le mo dipharagobeng a bo a tsaya gore Modimo ga o mmone. Mme Alyson Chun go tswa mo lekalaneng la bopelotlhomogi la Peace Corp o akgotse banana ba, a tlhalosa fa ba dirile tiro e ntle fela thata. O tlhalositse fa go ikemela ka nosi e le selo se se thata se se batlang motho a bereka ka thata, e bile go tlhokana le gore go tswe mo pelong ya motho. A re mme se, ga se reye gore motho a ikaege ka batho ba bangwe ka gore o tshwanetse go ithusa gore le wena o thusiwe. Mme Chun a re o itumelela gore mo Botswana go a kgonagala gore batho ba ikemele ka nosi ka go na le makalana, mekgatlho le mananeo a mantsi a puso a a ka thusang batho go dira jalo. O tsweletse a tlhalosa gore se se dirilweng ke banana ba, se ya go fetola matshelo a batho ba ba abetsweng dimpho. Kabo dimpho e, e ne e tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng, “Go fetola botshelo jwa batho go ka ikemela ka nosi”. BOKHUTLO society 9 Temo thuo e oketsa nako ya temo Lephata la temo-thuo le okeditse gape nako ya temo ya ngwaga wa 2013/2014 ka fa tlase ga lenaneo la ISPAAD. Go ya ka lephata leo, nako ya temo mo borwa jwa Dibete e okeditswe go tswa mo go Firikgong a tlhola malatsi a le masome a mararo le bongwe go ya kwa go Tlhakole a le lesome le bone, fa dinako tsa bokone jwa Dibete e le go tswa mo go Tlhakole a le lesome le botlhano go ya kwa go a le masome a mabedi le bongwe. Lephata le bolela fa balemi le boraditerekere ba ba tla lemang morago ga dinako tse di beilweng tse, ba tla seka ba akola dithuso tsa lenaneo la ISPAAD. Lephata le tswelela le bolela gore tshwetso ya go oketsa nako ya temo mo borwa jwa lefatshe leno e tsile ka ntlha ya dipula tse di neleng morago gammogo tse di feletseng di dira gore balemi ba seka ba kgona go ya masimo kgotsa mmu o le metsi thata go ka lemega. Le fa gontse jalo lephata la temo- thuo le tlhagisa balemi gore go oketsa nako ya temo go dirilwe fela mo nakong eno ka ntlha ya seemo sa loapi. Lephata le gakolola balemi go lema dijalo tse di melang ka bonako go tila segatsetsa. Ba re fa dijalo di sa tswa sentle ka ntlha ya go lema morago, balemi ba rotloediwa go dirisa dijalo tseo go fepa leruo la bone ka tsone. Go ya ka dipalo tse di tserweng ka Firikgong a tlhola masome a mararo le bongwe masimo a a lemilweng go bolelwa a feta diakere di le 70000. Lephata le tswelela le tlhagisa balemi le bo raditerekere go tswelela ba ba lebeletse dinako tse temo e emang ka tsone tse di bakiwang ke seemo sa loapi jaaka go tla ga mariga le dinako tsa motshegare tse dikhutshwane. Lephata la re dinako tsa go emisa temo di farologane ka gonne mariga mo borwa jwa lefatshe leno a tla pele ga mo bokone. BOKHUTLO society 9 Mapodisi a tshwere ba feta masome mabedi Mogolwane wa mapodisi kwa Serowe, Superintendent Poloko Oteng, a re ba tshwere batho ba le masome a mabedi le boroba bobedi kwa kgotleng ya Rakgomo go bapa le mmolo wa Serowe bosheng. Supt Oteng o boletse mo potsolotsong fa batho bao, ba ne ba kokoane le mororo dikgakololo ka go thibela mogare wa corona di opelwa bosigo le motshegare gore go seka ga nna jalo. A re batho bao, ba ba neng ba a nwa bojalwa, ba fitlhetswe kwa sepotong. Supt Oteng a re bangwe ba ne ba le dikgoka ebile ba sa dumalane le dikgakololo tsa mapodisi, mme ba lebisiwa molato o mongwe gape wa dikgoka le manganga. A re go ya ka molao wa botsogo, fa batho ba kokoana e se ka fa molaong ba gogelwa kwa kgotla tshekelong mme fa ba bonwa molato ba ka atlholelwa dikgwedi di le lesome le bobedi mo kgolegelong, P5 000 kgotsa tsotlhe ka bobedi. Supt Oteng a re mapodisi a Serowe a ikgaogantse ka ditlhopha go baya seemo leitlho go bona gore a go obamelwa dikgakololo tse di tswang kwa pusong go thibela mogare wa corona. O boletse gape fa ba tswenngwa ke banana ba ba kokoanang helo go le gongwe ba re ba latile WiFi go tsena mo maranyaneng. crime_law_and_justice 1 Lephata la thuto le itshegela tema Moeteledipele mo lephateng la thuto mo kgaolong ya Borwa, Rre Ndineni Mbuso a re lephata la gagwe le tshwenngwa ke kwelo tlase ya maduo a sekole se sebotlana sa ga Segwagwa. Rre Mbuso a re seo se ne sa ba gwetlha go tsaya matsapa a go ya go tlhola morafe le batsadi ba bana kwa ga Segwagwa. O buile se jaaka lephata la gagwe le ne le abela ba-na-le bogole le batlhoki ba motse oo melora le diaparo le go thusa go phepafatsa tikologo ya bone bosheng. O ne a tlhalosa gore ka thulaganyo eo, ba tlaa bona sebaka sa go ikamanya le morafe go utlwa gore matsapa di a tsaya kae ka maduo a a bokoa a sekole sa bone. Rre Mbuso o ne a supa gore go botlhokwa gore botlhe ba ba maleba ba nne le seabe mo go tlhomamiseng gore seemo sa thuto se a tokafadiwa. O ne a rotloetsa morafe gore ba phuthologe ba tseisanye dikgang le bone go tle go nne motlhofo go bona tharabololo go ya pele. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa thuto mo lephateng leo, Rre Segale Mongale o ne a supa gore maikaelelo a lephata la gagwe ke go tlhomamisa gore maduo a dikole a a nametsa. A re maikaelelo a letsatsi leo e ne e le gore batsadi ba itsane le bodiredi ba bo ba dumalane ba loge maano a go fenya dikgwetlho tsotlhe tse di ba aparetseng. Rre Mongale a re go botlhokwa gore lephata le ikamanye le morafe gore ba kgone go tokafatsa maduo. O ne a tlhalosa gore go phepafatsa motse le morafe ke go sega tema mo go tsheleng sentle ba tshelela mo bophepeng. A re badiri ba lephata ba ne ba kgobokanya lemmenyana le ka lone ba neng ba kgona go reka melora le diaparo tse ba neng ba di aba. A re dingwe tsa diaparo e ne e le tse badiri ba neng ba di aba ka lorato ba bona ba sa tlhole ba na le tirirso ya tsone. Mothusa kgosi wa motse, Rre Lesedi Piet o ne a re go maleba gore maphata a akaretsa a botsogo le a mangwe, jaaka la Thuto, le one a ikamanye le morafe ka e le selo se se molemo thata. O ne a leboga se a bonang se direlwa morafe wa gagwe, a bo a tlatsa ka go re ‘go sego letsogo lele abang go na le le le amogelang.’ BOKHUTLO education 4 Lecheng o akola lenaneo la nyeletso lehuma Lenaneo la puso la go ntsha Batswana mo lehumeng le tsweletse ka go dira sentle. Morago ga gore puso e bolotse letsholo la go ruta le go rotloetsa Batswana go amogela le go dirisa mananeo a, maduo ke a a itumedisang. Lecheng kwa kgaolong ya Tswapong Bokone, ke mongwe wa metse e lenaneo la nyeletso lehuma le tsweletseng ka go dira sentle. Motlhala le dintlenyane tsa lenaneo la nyeletso lehuma di bonala mo banning ba motse oo ba ba neng ba seka ba nna maoto a tshupa go itirela matshelo. Mme Baitshwaredi Kebalatetse yo o dingwaga di masome a matlhano le boraro ke mongwe wa ba lenaneo la nyeletso lehuma le buseditseng seriti mo botshelong jwa gagwe. A re pele ga a inaakanya le lenaneo leo, o ne a berekile dikonteraka di le mmalwa kwa Gaborone le Letlhakane mme go sena nko e e tswang lemina ka lemme le a neng a le amogela le ne le felela mo ganong. E re ka motlapele a re “goo-ramotho go thebephatshwa”, Mme Kebalatetse a re o ne a tsaya tshwetso ya go boela gae kwa a neng a utlwa ka lenaneo la nyeletso lehuma mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya bone e bong Rre Prince Maele. A re mo phuthegong eo, Rre Maele o ne a ruta le go rotloetsa banni go dirisa mananeo a puso mme ya nna mongwe wa ba ba neng ba tsaya mafoko ao ka tsoopedi. O kaile fa e rile ka ngwaga wa 2013 a ne a thusiwa ka lenaneo leo go bula kgwebo ya go lema ditlhare morago ga gore a rutiwe ka temo ya ditlhare dibeke tse pedi ke ba lephata la dikgwa le ditsatlholego. A re kgwebo ya gagwe ya go lema ditlhare tsa moriti,maungo le tse di kgabisang e e nang le dingwaga tse tharo, e dira botoka fa a e tshwantshanya le tiro ya go bereka dikonteraka e a neng a le mo go yone. O tlhalositse fa tlhwatlhwa ya ditlhare tsa gagwe e simolola ka P20 go ya ko go P50 go tswa gore ke sa mofuta mang. “E re le ntswa kgwebo e tsamaya ka bonya, ga go tshwane ka ke butse polokelo kwa ke latlhelang teng madi a setlhare sengwe le sengwe se se rekwang mme e bile ke kgonne go foroma ditena tsa ntlo ya dikamore tse pedi ka madi a ditlhare” a tlhalosa jalo. A re gape o kgonne go reka megala le tse di tlhokafalang go gokela ntlo ya gagwe motlakase. Mme Kebalatetse a re o leboga puso go bo e tsweletse ka go bula Batswana ditlhaloganyo mme e bile e ba fa maele a go itshetsa. Mme Mosamarea Mankga, monana wa motse wa Lecheng le ene ke mongwe wa ba ba sa kgaleng mathe mo go ganong go galaletsa mananeo a puso a tshwana le la nyeletso lehuma. Mme Mankga yo o dingwaga di masome a mararo le boraro a re go a itumedisa go bo puso e kgonne go ntsha matlho mo dikgapheng ka go tla ka mananeo e le nngwe tsela ya go bona ba ba aperweng ke mmaba mogolo ebong lehuma. Go hirisa tante,ditilo,dijana le matsela a ditante ke kgwebo e Mme Mankga a iphitlhelang a le mo go yone morago ga go thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma ka ngwaga wa 2013. Mme Mankga yo e leng motsadi wa bana ba babedi a re pele ga a inaakanya le lenaneo la nyeletso lehuma, botshelo bo ne bo le bokete sebe sa phiri e le go bo a ne a tshwanetse go fepa bana ba gagwe ba babedi jaaka motsadi mme go sa kgonege ka a ne a sa bereke. A re go simolodisa kgwebo ya gagwe ka lenaneo la nyeletso lehuma, puso e ne ya mo rekela tante, ditilo di le masome a matlhano, ditafole di le thataro, matsela a tante a le borataro, le dijana di le lekgolo. O tlhalositse fa bareki ba kgwebo ya gagwe e le ba meletlo e e farologaneng e akaretsa manyalo, meletlo ya matsalo le e e faphegileng. A re tante ya gagwe e a e hirisang ka P600 e kgonne go mo thusa go tlhokomela ba lelwapa la gagwe mme e bile a kgonne go aga ntlo ya kamore e le nngwe. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Batho ba le babedi ba fitlhetswe ba tlhokafetse Mapodisi a Martinsdrift le Ramokgonami a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone batho ba le babedi ba fithetsweng ba tlhokafetse. Detecetive Superintendent Letsweletse Baile a re mosadi wa dingwaga tse masome a mabedi le bone o fitlhetswe a tlhokafetse kwa masimong a Isheshane fa monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano ene a fitlhetswe a akgega mo setlharing dikgatlo dile makgolo a matlhano gotswa fa serepeng sa mosadi yoo. Detective Superintendent Baile a re e re lentswa ba tsweletse le ditlhtlhomiso, gone ba belaela fa moswi a katswa a bolailwe ka sengwe se se bogale ka jaana go fitlhwetswe a na le ntho e e masisi mo molaleng. A re direpa tsa batho bao, ba botlhe ba tlholega kwa motsing wa Ramokgonami e bile go belaelwa e ka katswa e ne e le baratani di kwa setsidifatsing sa kokelo ya Palapye go tlhatlojwa ke dingaka fa maina a bone a santse a lobilwe go fitlha ba masika ba itsisiwe. Kwa Mahalapye, mapodisi a tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse di fagare ga masome a mane le boraro le masome a mane le bone mabapi le magtwe a go betelela lekawana la dingwaga tse di lesome le bofereabobedi la kgotla ya Bokaa. Mogolwane wa mapodisi a kgaolo ya Mahalapye Superintendent Isaac Mmamadi, o tlhalositse mo puisanong gore mmelaelwa o tshwerwe ka thuso ya setshaba maabane kwa kgotleng ya Bokaa, mme a re e tlaare morago ga ditlhotlhomiso mmelaelwa a isiwe fa pele ga kgotla ya ditsheko goya go lebisiwa molato wa petelelo. Dipego di bolela fa mmelaelwa a kile a tshwarelwa molato wa go nna jalo, mme lekgotla la molathela ngwaga tse some mo kgolegelong ka molato wa go tlhakanela dikobo le monna yo mongwe nteng le ditumalano. crime_law_and_justice 1 Ga gona diphetogo dipe tebang le metsamao ya leruo Lephata la temo thuo le itsise setshaba gore taolo e e duleng kgwedi ya Moranang e le lesome le bobedi, tebang le metsamao ya leruo le le tlhako e e maphata le ditswa-leruong leo mo kgaolong ya Zone 11 ga e a fetoga ka gope. Se se ganetsa magatwe a a duleng mo metsweding ya dikgang e e akaretsang Facebook, tsa gore taolo eo e fetotswe. Mogolwane wa tsa kanamiso mahoko a lephata la temo thuo, Rre Geoffrey Pheko o rurifaditse se, mme a kopa setshaba gore se seka sa hereetsega maikutlo le gore ga gona le diphetogo dipe hela, sechaba se tlaa itsesewe. Kgaolo ya Zone 11 e akaretsa Kgatleng, Kweneng, Borwa Botlhaba le Borwa. BOKHUTLO society 9 Mogolwane o kgala baruti ba ba tlhotlheletsang kanamo ya mogare wa HIV Kgosi Baikananyi Sebetlela wa Maokatumo kwa kgaolong ya Legare a re ba lemogile fa palo ya babapadi ba phane e godile kgwedi eno. Kgosi Sebetlela o kaile mo potsolotsong fa ba bapadi ba phane ba tswa mo dikgaolong ka go farologana go ralala lefatshe leno. A re mo pegong e ba e filweng ke lephata la tlhokomelo ditlhare, go supegile fa go abilwe diteseletso tse diletlelelang batho go bapala phane go jela mo ganong dile makgolo a matlhano le masome a mane le bone. O kaile fa diteseletso tse di le mefuta mebedi mme ele ya go ya go bapalela go jela mo ganong le go bapalela go gweba, ka jalo diteseletso tse di abilweng fa dikopanngwa di le sekete le masome a ferabobedi le boferabobedi. Kgosi Sebetlela a re babapadi ba phane ba tshwanetse go nna golo go le gongwe fela gore matlakala a kgone go laolesega. O laetse babapadi bao go itlhokomela, segolo jang ka ba sa itse naga e baleng mo go yone le gone go itsa dikgang tsa go timela. Kgosi o tlhalositse fa mapodisi a etela dikampa tsa batho bao ka go farologana letsatsi le letsatsi go bona gore sengwe le sengwe se dirwa sentle e bile ga gona borukutlhi le sepe fela se se ka fatlhang. Kgosi Sebetlela a re le ene o mo maikaelelong a go ba etela go bona fa ba leng teng a tlhalosa fa mathata ele gore mo motshegareng ba a bo ba le mo sekgweng go bapala phane. A re o ikaelela go inaakanya le bagolwane ba lephata la tlhokomelo ditlhare ba ba etelang mafelo ao maitseboa. Mothusa kgosi, Rre Ketlhapile Kedikilwe, o tlhalositse fa go sa tlhoke gore go nne le sepe se se duleng mo tseleng ka gore bontsi bo tsile kwa kgaolong eo go batlela bana ba bone paletshe ka go bapala phane. A re thekiso ya bojalwa ga e a tshwanelwa go letlelelwa kwa mafelong ao ka gore go le gantsi fa go nang le bojalwa teng go nna le botlhoka tsebe, ka jalo go botlhokwa go kganela bojalwa go itsa borukutlhi le dintwa tse dika bakiwang ke nno tagi, tse mo nakong e nngwe difelelang ka dipolaano. Kgosi Kedikilwe a re go botlhokwa gore fa babapadi ba phane ba bona mongwe yo ba mmelaelang ba mmatle teseletso, fa e seyo ba ikopanye le ba molao go mo tseela dikgato tse di maleba. health 6 Mmadinare o ipaakanyetsa ditshupo Kgaolo ya Mmadinare e e akaretsang metse ya Damochujenaa, Tshokwe, Robelela, Tobane, Sefhophe le Mmadinare ba ipaakanyetsa ditshupo (Mmadinare District Show) tsa monongwaga tse di tlaa bong di tshwaretswe ko motseng wa Mmadinare kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome a mararo le motso go fitlha kgwedi ya Phatwe e tlhola gangwe. Mo potsolotsong le ba BOPA modulasetilo wa komiti yaditshupo Rre Joseph Seipato a re e le komiti ba ipaakanyeditse ditshupo gammogo le batsaakarolo le makgotla a a ikemetseng ka nosi ka go tlaa bo go na lemabelo a dipitse, kgwele ya dinao, mmabontle a rotloediwang ke Motor VehicleAccident Fund (MVA). Rre Seipato o ne a gape a tlhalosa gore ditshupo di tlaabulwa semmuso ke moeteledipele wa BOCCIM Rre Lokwalo Mosienyane, maikaelelo ele go oka basupi le babogedi go tla ka dipalo tse di nametsang ka ditshupo tsangwaga o o fetileng di ne di sena dipalo tse di nametsang. O ne a tlhalosa fa ba tla nna le dijo tsa maitseboamaikaelelo e le go kgobokanya madi le go ruta bo mmantswitswidi ba temo-thuogore ba ye go kgothatsa balemi-barui gore ba tsise disupiwa tsa bone le go anyabotsipa mo baruing ba bangwe. Rre Seipato o ne a re ba lebanwe ke kgwetlho ya disupiwa tsaleruo ka barui ba amilwe thata ke bolwetse ja thako-le-molomo le leuba mokgaolong mme ba leka go ritibatsa go wa mowa ga barui ka go oketsa madi a a kagapiwang ke seruiwa fa se gaisitse tse dingwe. O ne a re gape ba tshwenngwa ke tshenyo e e dirwang kwalebaleng la ditshupo mo go kokonelang komiti go le baakanya ka ba bona madifela ka nako ya ditshupo. politics 7 Monna o tshwerwe ka dikgomo di le 57 Monna mongwe wa dingwaga tse di masome mane le motso wa masimo a Dikolakolane mo kgaolong ya Lentsweletau o thusa mapodisi a Molepolole mo ditlhotlhomisong mabapi le go fitlhelwa ka dikgomo di le masome matlhano le bosupa tse go belaesegang ele tsa bogodu. Go ya ka mogolwane wa mapodisi a Molepolole Superintendent Tawana Tawana, mmelaelwa o tshwerwe ka dikgomo tse ditona di le masome a mabedi le boferabobedi le marole a le masome a mabedi le borobabongwe tse go fitlhetsweng di tlhatlhetswe mo tshimong gone kwa masimong a Dikolakolane gaufi le motsana wa Medie. Rre Tawana a re go belaelwa fa dikgomo tseo ele tsa barui ba dikgaolwana tsa meraka ya Konye, Monwane, Lesilakgokong le Kotolaname. E re ntswa gotwe mmelaelwa a re dikgomo tseo di tsene mo diatleng tsa gagwe ka ntlha ya thomo ya mongwe yo a neng a mo kopile gore a di mo tshegeletse, monna yoo o ka nna a iphitlhela a faraferwe ke mathata ka jaana legodu ele le le tshwerweng ka morwalo. Go ya ka Rre Tawana, mmelaelwa o tla a isiwa fa pele ga kgotla ya ga mmakaseterata mo bogaufing go arabela molato wa go fitlhelwa ka dikgomo tse go belaesegang ele tsa bogodu e bile di na le matshwao le ditshipi tsa barui ba ba farologaneng. Rre Tawana a re ba santse ba tsweletse le ditlhotlhomiso mme o solofela fa palo ya babelaelwa e ka nna ya oketsega. Morui mongwe wa kgaolo ya Dikolakolane a re e re ntswa ba ne ba a tle ba bone dikgomo mo tshimong ya mmelaelwa tse a kayang fa di ne di le palo dipotlana kwa tshimologong, ba ne ba sa belaele ka jaana mmelaelwa a kile a supa fa a tshegeleditse mongwe wa losika dikgomo. Dikgomo tseo, tse mo nakong eno di leng ka fa tlase ga tlhokomelo ya ba sepodisi kwa motsaneng wa Medie, di na le dintho tse di masisi tse go supegang fa di tshubilwe dirope ka sengwe se go belaesegang ele aene go leka go nyeletsa matshwao a beng ba tsone. Letshwao le le kaegang mo dikgomong tseo ke la EFGL. Mo go tsone dikgomo tse, di le nne go lebega di amusa fa marole a mangwe a le masome mabedi le botlhano go lebega a arogantswe le bommao. Barui ba tsweletse ka go tshologela kwa lesakeng la Medie kwa dikgomo di tshegeleditsweng teng ka go lebega mongwe le mongwe ale mo patlong ya dikgomo tsa gagwe ka ntlha ya kgolo ya bogodu jwa leruo le ntswa go lekilwe go gagamatsa dikatlholo. Ditlhopha tse di farologaneng tsa barui ba kgaolo ya Mokwena tsa Dinkgata-mala, Ka-e-tlhoka le Selelo-sa-baruakgomo di tshwaragane le ba sepodisi mo kgaolong ya Mokwena go leka go upolola masula a go utswiwa ga leruo. Le fa go ntse jalo maloko mangwe a setlhopha sa Selelo-sa-baruakgomo e rile bosheng ba lelelwa ke ditshipi tsa ba molao ba le mo maitlamong a go lwela leruo la bone mo e bileng ba gogetswe fa pele ga kgotla ya ga mmakaseterata go sekela magatwe a go keteka monna mongwe yo ba neng ba belaela fa a utswa leruo. crime_law_and_justice 1 Makhanselara a Borwa a batla ditlhabololo Makhanselara a Kgaolo ya Borwa a ntshitse dikakgelo tse di farologaneng fa a tshwaela mo pegong ya modulasetilo wa khansele, Rre Mephato Reatile. Phuthego eo ya khansele e simologile ka Mosupologo (Lwetse a le lesome le bobedi) mme e solofetswe go wela kgwedi eno e le masome a mabedi le motso. Mokhanselara wa Digawana Rre Daniel Motlhabankwe o ngongoregile ka khampani e e lebaganeng le dituelo tsa bagodi a re ga e dire tiro jaaka go ne ga begwa kwa khanseleng. Mokhanselara Motlhabankwe o tsweletse a kopa gore mo ditirelong tsa sepodisi motse wa Digawana o thusiwe go tswa kwa Kanye. O ne gape a kopa gore dikole tsa bananyana (reception class) di phatlaladiwe mo dikoleng ka bontsi Digawana a le mo teng. Mokhanselara wa Kebuang, Mme Kopano Pasela o ne a tlatsa mafoko a ga mokhanselara Motlhabankwe a gore khampani ya dituelo tsa bagodi ga e dire tiro mo go kgotsofatsang a tlhalosa fa le tsone tota dikarata tsa dikamogelo tsa bagodi bangwe mo kgaolong ya gagwe di timeletse kwa dikgotleng di sele. Bangwe ba makhanselara ba ngongoregile ka tlhaelo ya badirelapuso mo dikgaolong tsa bone bogolo jang baoki, bakwaledi ba kgotla le mapodisi. Mo go tse dingwe bangwe ba ntshitse matshwenyego ka badirelapuso ba ba berekelang mo lefelong le le lengwefela lebaka le le leele ba re seo se koafatsa go ntsha maduo mo tirong, mme gape bangwe ba ngongorega ka bodiredi go tshwarelela mo maemong mangwe (acting) nako e telele mme e re ko morago go thapiwe o sele yo o neng a tshwareletse a sa a neelwe, ba re golo foo go tsenngwe leitlho ka ekete go tlaa tshabelela kgaolo ya Borwa thata. Ba ne gape ba ngongorega ka ditsela dingwe tse di sa tsamaegeng mo metseng ya bone mme ba supa gore dingwe di tlhoka go tlhabololwa ka go tshelwa lokgarapana fa dingwe di tlhoka motshela kgabo. Mokhanselara Binkie Moalosi wa Lorolwane o buile ka seemo se se maswe sa tsela ya Lorolwane a re mo nakong eno ga e tlhoke go gopiwa mme e tlhokana le go tshelwa lokgarapana. O ne gape a supa matshwenyego ka go phatlaladiwa ga motlakase mo motseng oo a re go lobaka ba o letetse mme ga gona thuso epe. Mokhanselara wa Molapowabojang East Rre Calvin Matlale ene o ngongoregile ka motshelakgabo o o tswang ko Maruswa le Motlhwatshe o tlolela ko Molapowabojang a re go mosola thata gore o nne mo seemong se se siameng bogolo jang ka ba tepo loapi ba tlhalositse fa go solofetswe pula e namagadi ngwaga ono. A re eseng jalo bana ba mafelo ao ba tlaa nna le bothata jwa go ya sekoleng ko Molapowabojang fa pula e ka na ka bontsi a re mme bangwe ba bone ba tlaa bo ba kwala ditlhatlhobo tsa lokwalo lwa bosupa ko dikoleng tse dipotlana ko motsing oo. politics 7 Ba rotloediwa go lema dinawa Balemi ba rotloeditswe go tsaya tsia dikgakololo tsa balemisi mabapi le go lema dijwalo tse di emelanang le seemo sa loapi. Kgakololo e dule ka molemisi wa Gakuto kwa kgaolong ya Kweneng, Mme Gabaoitse Tiroyaone, kwa bokopanong jwa gagwe jwa beke le beke le balemi. Bokopano jo bo tshwarelwa kwa masimong a Letlhakane gaufi le Gakuto. Mme Tiroyaone a re maikaelelo ke go atumela balemi gore thuto e amuwe ka bophara. Balemi ba rutwa go inaakanya le methale ya segompieno ya temo. Mme Tiroyaone a re kwa tshimong ee dirisiwang go ruta, ba lema dinawa mme ba pitikolole mmu. Ba o ngapa fela fa ba yang go tsenya peo teng. A re mangapo ao a tshwara metsi lebakanyana. Molemisi a re ba tlaleletsa dijwalo monontshane ka matlhare jalo ke sone se di nnang ditala ntswa go le letsatsi. A re se ba se dirang mo temong e ba e lemileng se dirwa ke maloko mo masimong a bone go netefatsa fa thuto e e bereka. Mme Tiroyaone a re ba lemile dinawa ka jaana ba tebo loapi ba ne ba tlhalositse fa selekanyo sa pula se tsile go nna boutsana. A re sika loo nawa le kgona go emelana le seemo seo. Lebaka le lengwe le ba neng ba e lebile ke gore dinawa di tsenya madi a mantsi fa di rekisiwa. O bile a bolela fa dinawa di robiwa morago ga kgwedi tse tharo e bile nawa e sa tshwenngwe ke diji gape bareki ba e rata. Mme Tiroyaone a re temo ya tshomarelo bokgola e batla go kabakanngwa dijwalo ngwaga le ngwaga. O file sekai sa gore fa o lemile dinawa teng ga re o leme se e seng sika la dinawa ngwaga o o lateleng. A re se se dira gore menontshane e e tserweng ke dinawa e busediwe ke sejalo se sele. “Re rotloetsa balemi go tlhatlhoba mmu gore ba tle ba itse gore go tlhaela kotla efe mme ba e reke,” a tlhalosa jalo. Ofisi ya selemisi e ne gape e ruta balemi go isa mmu kwa matlhatlhobelong kwa Sebele. O gakolotse balemi gore ba itlwaetse go tlhagola ka jaana mohero o ja menontshane e kabong e ya kwa dijwalong tsa bone. A re thotloetso ke gore fa ba sena go roba, ba tsee karolo nngwe ya letlhaka ba e sile ba bo ba e fa leruo fa e nngwe ba e tlogela mo tshimong go lwantsha diji le go busetsa manyoro a tlholego mo mmung. Mongwe wa balemi, Mme Sone Joseph, a re fa e sa le ba inaakanya le sekolo se, temo ya gagwe e tokafetse thata. A re go lema dinawa go mo tswela mosola thata. O boletse fa a lema hekere tse tlhano tsa dinawa fa a kgonne mme a kile a boelwa ke dikgetsi tsa 50 kg di le masome a matlhano le bobedi mo ngwageng mongwe. economy_business_and_finance 3 Go sa latlha matlakala sentle ga go a siama Kgosi Ramonnye Matlapeng wa Tlokweng o supile fa batho ba aparetswe ke mathata a ba a itiretseng a a bakiwang ke matlakala. Kgosi Matlapeng o supile fa go latlhela matlakala mo tikologong ya ba bangwe e le boloi, a supa fa batho bangwe ba itira baitimokanyi ka ba ipaya jaaka ekete ga ba itse mme ba itse gore ba latlhela matlakala ao bosigo. O ne a baya sekai ka temana ya baebele e e supang fa erile kwa tshimologong Modimo a tlhola motho, mme a mmaya mo tshimong ya Eden e e neng e le phepa. A re jaanong mo malatsing ano, batho ba letleletse Saatane go ba dirisa go kgotlela tikologo ka go tlatsatlatsa matlakala. Kgosi Matlapeng o ne a bua jalo fa a ne a amogela baeng kwa letsatsing la phepafatso tikologo bosheng. Kgosi o boletse fa go dira jaana go senya madi a puso le gone go senya nako ka leswe le le dirwang ka bomo, a bo a kopa Batlokwa go lebelela batho ba ba kgotlelang tikologo ya bone, le gone go e rata ba bo ba e phepafatse, ka jaana kgosikgolo ya bone e le motho yo o ratang go busa morafe o o phepa le ene a rata bophepa. Erile a ntsha la gagwe, mopalamente wa Tlokweng Mme Same Bathobakae a tlhalosa fa go latlhela matlakala gongwe le gongwe go turela puso, a supa fa metseto le matlakala a a latlhelwang mo tseleng e le matlhabisa ditlhong, a bo a gakolola setshaba go intsha mo mokgweng oo. Mopalamente o gwetlhile mongwe le mongwe go somarela tikologo, a supa fa botsogo e le jwa mongwe le mongwe, a bo a tlhalosa fa matlakala a tsenya diphologolo mo diphatseng. O boletse fa go phepafatsa go simolotse kwa lefatsheng la Australia ka ngwaga wa 1989, mme go phepafatsa moo ga oka baithaopi ba le 300 ngwaga o o latelang. society 9 Mmabatho o thusa dikole tsa Selebi Phikwe Lekgotla la bopelotlhomogi la Mmabatho Foundation le abetse dikole tse dipotlana le tse dikgolwane tsa kgaolo ya Selebi Phikwe Botlhaba didirisiwa tsa maranyane di akaretsa khomputara, mechine ee ntsifatsang dipampiri le didirisiwa tse dingwe. E rile a amogela dimpho tse mo boemong jwa boeteledingpele jwa dikolo tse, mogokgo wa sekole sa Moepong, Mme Dorcus Olebile, a bolela fa dimpho tse ele go lemogwa go bereka ka natla ga dikole tsa Selebi Phikwe Botlhaba ke ba lekgotla la Mmabatho Foundation. O tlhalotsitse fa dikolo tsa Selebi Phikwe di tsweletse ka go dira sentle mo dithutong le ntswa di lebaganwe di dikgwetlho di le mmalwa. A re maduo a dikole tsa Selebi-Phikwe a supile fa di kgona go phadisanya le dikole tsa lefatshe leno ka bophara e bile di kgona go balelwa mo dikoleng tse di dirang sentle mo lefatsheng leno. Mme Olebile o boletse fa go bereka ka seopo sengwe ga baruta-bana ba dikole tsa Selebi Phikwe ele gone go dirang gore dikole di dire sentle mo dithutong. O boletse fa dimpho tse di tlaa thusa go tokafatsa maduo a dikole tsa bone le go fedisa dikgwetlho tse ba ntseng ba kopana le tsone mo tirong ya bone. Modulasetilo wa lekgotla la Mmabatho Foundation, Mme Daisy Molefhi, o boletse fa lekgotla la bone le tlhamilwe ka ngwaga wa 2016 ka maikaelelo a go tokafatsa matshelo a setshaba, a tlhalosa fa Mmabatho Foundation e lemoga boleng jwa thuto mo tlhabololong ya matshelo a setshaba. A re Mmabatho Foundation e eletsa go bona mongwe le mongwe a bona tshwanelo ya go amogela thuto ntle le dikgwetlho tse a tshelang ka tsone, ka jalo a re lekgotla le tla a tswelela ka go nna le seabe mo tlhabololong ya thuto go bona gore bana ba amogela thuto ee maleba. O tlhalositse fa tiriso ya maranyane mo thutong ya nako eno ele maleba e bile e tlhofofatsa kafa bana ba ithutang le kafa baa rutiwang ka teng. A re ka ngwanga wa 2017, Mmabatho Foundation e abetse baithuti ba ba dirileng sentle mo dikoleng tsa Selebi Phikwe madi aa tshwarang P30 000 ele tsela ya go ba kgotlhatsa gore ba tswelele ba dira ka natla mo dithutong tsa bone. Mme Molefhi o boletse fa ba abetse dikolo dimpho ka ba lebile letlhoko lele mo go tsone ka ba buisantse le dikole tse pele go lekola matlhoko a bone go bona gore ba ka thusiwa jang. O tlhalositse fa didirisiwa tsa maranyane tse ba di abileng di akaretsa dikhomputara dile masome a mane le metshine ee ntsifatsang dipampiri e metona le e mennye, tse a boletseng fa di tla abo di ntshafadiwa ke lekgotla la gagwe fa di senyega. Fa a tswa la gagwe Rrateropo wa Selebi Phikwe Rre Molosiwa Molosiwa o tlhalositse fa lekgotla la Mmabatho Foundation le supile fa le kgathala ka tlhabololo ya thuto ya lefatshe leno. O boletse fa dimpho tse ditla nna le seabe mo go tokafaleng ga maduo a dikole tsa Selebi Phikwe tsedi tsweletseng di dira sentle ntle, mme a lebogela Mmabatho Foundation go supa fa ba kgathala ka tlhabolololo thuto ya lefatshe leno. BOKHUTLO education 4 Kgosi o lela ka tsela le tlhaelo ya dikoloi lick to see more pictures Mogolwane wa lephata la ditsela, Rre Ishmael Rannoko a re le fa ba tlhaelelwa ke didirisiwa, tsela e e golaganyang Moralane le Mosolatshane e tlaa gopiwa go tokafatsa seemo sa yone. Rre Rannoko o ne a tsibogela mafoko a ga Kgosi Keoganne Modisapodi wa Moralane gore tsela e na le lobaka e sa gopiwe mo e kgoreletsang mosepele wa go batla ditlamelo kwa metseng e mengwe jaaka Shoshong, kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa lephata la banana, metshameko le tlhabolo ngwao, Rre Dikgang Makgalemele kwa Moralane ka Labone. Rre Rannoko a re mo nakong eno, ba na le motshine o le mongwe o o gopang ditsela tsa mmu mme go tsaya lobaka go baakanya ditsela tsotlhe mo kgaolong. A re mo bogompienong, motshine o santse o gopa tsela kwa Dibete mme e tlaare go wetsa tiro eo, o fudugele kwa tseleng ya Moralane. O tlhalositse gape gore thulaganyo ya go abela tiro eo konteraka e e tlaa e dirang mo sebakeng sa ngwaga e tsweletse. Rre Rannoko a re e tlaare thulaganyo eo e santse e tsweletse, ba tlaa dira maano a go tokafatsa tsela ka go thapa dikonteraka tse di potlana go e dira. Kgosi Modisapodi o ne a supa gore tsela e na le lobaka e sa gopiwe mme go nna thata go bona ditlamelo ka nako. O supile gore fa go tlhagoga diemo tsa tshoganetso jaaka bolwetse, go sa nne motlhofo go ragosetsa molwetse kwa a ka bonang thuso e e botoka teng, mathata e le seemo sa tsela e sa tsamaegeng. Kgosi Modisapodi o kopile gape gore khansele e tsibogele go rema ditlhare tse di mo thoko ga tsela e e tswang Shoshong e ya Mosolotshane. “Tsela ya Shoshong/Mosolotshane le yone e hupeditswe ke ditlhare re mo diphatsheng tsa go dira dikotsi,” Kgosi Modisapodi a supa. O ikuetse ka tlhaelo ya dikoloi kwa kgotleng ya Moralane, a re le fa mapodisi a dira ka natla go lwantsha borukuthi, letlhoko la koloi le folodisa maiteko a bone. A re Moralane ke mongwe wa metse e e kgakala le ditlamelo jalo seemo sa tsela le tlhaelo ya dikoloi di dira gore go nne thata go goroga kwa Shoshong kwa ba bonang ditlamelo teng. “Go botlhokwa go nna le koloi go fefosa mosepele wa go batla ditlamelo tsa botsogo le tse dingwe,” a supa. E rile a tsibogela kgang ya tsela ya Shoshong/Mosolotshane, mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Mahalapye, Rre Detto Molatlhegi o ne a supa fa e le boammaaruri tsela eo e hupeditswe ke sekgwa. O supile fa mo ngwageng tse pedi tsa madi ka go latelana, khansele e ntse e sena madi a go rema ditlhare mo matlhakoreng a tsela. Rre Molatlhegi a re ofisi ya gagwe e kgonne go bona madi a a tla dirisiwang go tokafatsa seemo. E rile a tsibogela kopo ya komiti ya ditlhabololo tsa motse ya gore Moralane a abelwe koloi ya kokelwana, mooki go tswa kwa sepateleng sa Shoshong, Mme Baoketsi Keletso a supa fa kopo ya bone e ka se kgonagale ka kgaolo e tlhaelelwa ke dikoloi. “Re na le dikoloi di le tharo fela tse di berekang kgaolo yotlhe ya Shoshong,” Mme Keletso a supa. Mopalamente wa Shoshong, Rre Makgalemele a re seemo sa ditsela tse di sa tsamaegeng ke selelo lefatshe ka bophara. A re mopalamente wa Nata/Gweta o kile a ntsha tshutiso kwa Palamenteng gore go tlhamiwe lekalana le le tlaa itebaganyang le go tlhabolola ditsela. A re seo e ne e le maiteko a go batla tharabololo ya seemo sa ditsela se se sa jeseng diwelang. Mo go tse dingwe, Rre Makgalemele o gakolotse morafe wa Moralane go tswa ka maano a a ka thusang go tokafatsa matshelo a bone. A re, e ne yare bosheng a le mo phuthegong le baeteledipele ba metse e e mo kgaolong ya gagwe kwa Shoshong, mongwe a tswa ka mogopolo wa gore ba dire motshelo wa ditena go thusa go agela ba ba tlhokang thuso le matlwana a boiteketso a morafe. A re motse mongwe le mongwe o tlaabo o kgobokanyetsa ditena tseo mo kgotleng. Rre Makgalemele a re go aga matlwana a boitiketso a morafe go ka thusa go tokafatsa seemo sa botsogo le go lwantsha bolwetse jwa mabele jo bo digang boleng jwa leruo. E rile a itebaganya le lenaneo la nyeletso lehuma, Rre Makgalemele a re o santse a dumela gore ditshingwana tsa merogo tsa mo malwapeng di ka dira botoka. O supile fa bangwe ba ba di filweng ba paledisiwa ke tlhaelo ya metsi a re go botlhokwa gore koporase ya metsi e nne le seabe. “Ke buisana le bangwe ba boitseanape gore ba re thuse go di tsosolosa,” a tlhalosa. O gakolotse morafe wa Moralane go seka seka dikgwebo tse ba bonang di ka kgona go dirwa mo motseng wa bone a re “re tshwanetse re dumalane ka mananeo a go nyeletsa lehuma, re tswe ka megopolo go tlhama ditiro.” Rre Makgalemele a re go botlhokwa go rotloetsa bagwebi ba ba botlana, ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma gore ba kgone go itshetlela. A re go godisa ngwao le gone go ka tlhama metswedi ya khumo. O supile gape botlhokwa jwa go nna le mananeo a a rotloetsang botsogo le boitekanelo. “Dirang dikomiti tsa botsogo le itshidile mebele,” Rre Makgalemele a kgothatsa. A re ba lwantshe borukuthi, ba seka ba nna le tumelo ya gore go lwantsha borukuthi ke tiro ya mapodisi. society 9 Boipuso jwa monongwaga bo tlhagola tsela Go bolelwa fa boipuso jwa mono ngwaga e le matlhagolatsela a boipuso jwa 2016 jaaka Botswana a tla bo a ipelela dingwaga tse di masome matlhano a ntse a ipusa. Mo phuthegong e e neng e buisiwa ke dikomiti tse di eteletseng pele ditirelo tsa boipuso, Kgosi Pius Letsholo wa Woodhall o akgoletse morafe wa toropo eo go tshologela phuthego eo ka mmetela Fa ba a fa tekodiso ka mo ba tsweletseng ka teng, Rre Boineelo Sechane wa komiti ya dikereke o kopile dikereke go nna le seabe mo merapelong ya kgwedi ya Lwetse, a bo a ba kgothatsa go tla le dikhwaere tse di tla nnang le seabe mo dikgaisanong tsa moopelo. Moeteledi pele wa komiti ya mmabontle le rabontle ba boipuso, Mme Tebogo Thebe o tlhalositse fa ba gatetse pele ka jaana ba beile dipampiri tsa go ikopela go tsenelela kgaisano kwa dikgotleng mme dikgaisano di tla tshwarwa kgwedi ya Lwetse ele masome a mabedi le bosupa, kwa Civic Centre. Mme Boitshwarelo Molosiwa yo o eteletseng pele komiti ya dijo tsa Setswana, ene o boletse fa ba na le kgwetlho ya go latela dijo tseo ka jaana go tlhoka sepalamo, mme a supa fa ba emetse go kopana le molemisi gore a ba thuse go tlhopha ditswa temong tse di siameng. Mme Molosiwa o tsweletse a kopa ba ba itseng bao ba nang le dijo tsa Setswana le maungo a naga gammogo le ba ba ka tlang go ba tlhatlhelela ka kapei ya tsone go ba thusa gore ba kgone gore e re kgwedi ya Lwetse e simologa ba bo ba nale tsone. A re maikaelelo ke gore ditirelo tseo tsotlhe fa di dirwa go bo go ntse go nale dijo tsa Setswana. Moeteledi pele wa komiti ya metshameko, mmino wa Setswana le ngwao, Mme Rosinah Makgoeng ene a re ba tla rulaganya dikgaisano ba lebeletse dikarolo tse di farologaneng tsa mmino wa setso kakaretso, poko le metshameko ya Setswana, jalo a kopa ba ba eletsang go tsaya karolo go tlatsa dipampiri tsa ikopelo kwa dikgotleng. O boletse fa go tla bo go na le dikatso tsa ba ba dirileng sentle.Metshameko e mengwe ke ya kgwele ya dinao le bolotloa, e eteletsweng pele ke Rre Francis Tiro Mokwena yo a supileng fa banana ba le maoto a tshupa go tla bokopanong. Rre Mokwena a re ba rulagantse gore kgaolwana nngwe le nngwe mo go tse di lesome le bobedi, e baakanye batshameki ba bone ba maemo a ntlha go ba emela. O tsweletse a re keletso ke gore metshameko e simologe kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bofera bongwe, mme legato la bobedi le tshwarwe Lwetse ale masome a mabedi le bongwe, fa makgaola kgang one a tla nna ka letsatsi la boipuso. O tlhalositse fa go tla dirwa melawana e e tsamaisang metshameko eo mme o gateletse gore go seka ga dirisiwa batshameki ba ditlhopha tse di setseng di le teng Mokhanselara, Rre Batsile Dirameare o lebogile morafe thata go tla phuthegong eo ka mmetela mme a tlhalosa gore go atlega ga yone go supa fa molaetsa o tla goroga kwa go ba ba sa kgonang go tla, a tlatsa ka gore boipuso jo ba bo baakanyetsang ke jo bonang le ditiro ka jalo go rerisa setshaba go botlhokwa. O ba kgothaditse go tswelela ba tsena diphuthego ka makatla namane gore ba kgone go amogana megopolo. BOKHUTLO politics 7 Matlala o bolokilwe Mokhanselara yo o itlhophetsweng wa phathi Domkrag, Mme Gosego Matlala, o bolokilwe kwa Tlokweng ka mafelo a beke. Dibui ka go farologana di supile fa Mme Matlala a ne a le senatla, a rata go dira ka diatla mme ebile a sa rate go senyediwa nako. Rraagwe mogolo, Kgosi Kgosintwa Gaborone, o ne a supa fa ngwana wa ga monnawe a kaile fa a sa tsoga ka Laboraro fa a ile go mmaya kwa tirong, mme a gakgamadiwa ke go mo latolelwa ka le le latelang. Mogolowe Mme Ethel Matlala, o ne a tlhalosa fa moswi a ne a supa a sa tsoga malatsinyana pele ga a tlhokafala, a bolela fa ba ne ba tshwerwe ke mohikela ene le mmaagwe le ngwana wa gagwe, o tlhalositse fa ba ne ba mo ragosetsa kwa ngakeng gone ka Labone , e e neng ya feta ya rurifatsa fa a tlhokafetse. Mopalamente wa pele wa kgaolo ya borwa botlhaba, Rre Olebile Gaborone, o ne a tlhalosa fa ngwaga o o se monate mo lesikeng la bogosi, ka ba setse ba latlhegetswe ke batho ba le barataro. O tlhalositse fa botshelo bo na le dipaka, go na le motlha wa boitumelo le wa selelo, a bo a supa fa motlotlegi Matlala a tsere sebaka se se khutshwane thata mo khanseleng. Moemedi wa lesika go tswa Afrika Borwa, Moatlhodi Baatsi Nkabinde, o ne a supa fa a gakgamaditswe ke leso lwa ga Mme Matlala, a supa fa a ne a le senatla a rata go dira ditiro tse di dirwang ke borre. O supile fa moswi a ne a kgona go kgweetsa diteraka, ebile a ne a sa tshabe go bua se a batlang go se bua. Tona wa tsa botsogo ebile e le moemedi wa bomme ba phathi ya Domkrag motlotlegi Dorcas Makgato Malesu, o ne supa fa mme Matlala a ne a itshupa gore ke moeteledipele yo o tlhotlhwa. O kaile fa ba latlhegetswe ke monana yo o tlhaga, molwantwa ebile e le monana yo o nang le tebelopele, a supa fa e ne e le moeteledipele yo ba neng ba mo tlhomile leitlho. Moemedi wa phathi ya Domkrag, Rre Mpho Balopi, o ne a supa fa ba ne ba solofetse go le gontsi mo go mme Matlala, a bo a supa fa a ne a supa fa a ne a godisitswe sentle, a bo leboga ba lwapa la gagwe ka kgodiso e, a kopa gore phularong ya gagwe e tlise popagano mo lwapeng le lorato, bogolo jang mo go ba a neng a na le bone mo mokgatlhong. Mme Gosego Matlala e ne le ngwana wa botlhano wa ga mme le rre Mafikeng Gaborone, mme a belegwe ka kgwedi ya Morule e supa ka ngwaga wa 1978. O tsene sekolo se se botlana kwa Camp Primary, a ya go dira dithuto tsa gagwe tse dikgolwane kwa Legae Academy, a dira tse dikgolo kwa IBN Business School kwa Afrika Borwa a dira Diploma in Marketing. O simolotse go bereka kwa Planarch Architects ka 2001, a tsewa ke Soda Ash, a bereka mo makalaneng a a farologanyeng go fitlhela ka ngwaga wa 2014 fa a nna mokhanselara yoo itlhophetsweng wa kgaolo ya Borwa Botlhaba. O tlogela mmaagwe, bomogolowe ba le bane le ngwana wa mosetsana. BOKHUTLO society 9 Nyeletso lehuma e belege banni Lenaneo la nyeletso lehuma le tsweletse ka go dira sentle . E rile a bua mo potsolotsong bosheng, mokhanselara wa Mokobeng/Ngwapa, Rre Joseph Molamu, a supa fa lenaneo la nyeletso lehuma kwa metseng eo le tserwe ka dipalo tse di kwa godimo go feta dikgaolo tse dingwe tse di mo kgaolong potlana ya Mahalapye. O boletse fa batho ba le makgolo mararo le masome a roba bobedi ba tsere dihutshane ka lenaneo la nyeletso lehuma, ba le makgolo mabedi le lesome le bosupa bone ba tsere dikoko, fa a le mongwe a dira kgwebo ya meriri. O tlhalosa fa botlhe ba ba tsereng lenaneo ba dira sentle, go supa fa ba nyoretswe go fetola matshelo a bone. Rre Molamu a re fa Batswana ba ka tlhwaafalela go dirisa ISPAADD, LIMID le YDF go rua dikgomo le dihutshane ga mmogo le go bula dikoporase ba ka kgona go fedisa letlhoko la ditiro. Mokhanselara a re batho ba ka diragatsa maikaelelo a puso a gore ka 2017 lefatshe leno le bo le nyeleditse lehuma la nta e tshetlha fela fa Batswana ba tlhoafetse ba tshwaragane le puso mo ntweng e. O kaile fa puso e tsere kgato e tona ya go tlhoafalela go fa Batswana seriti ka ditsela tsotlhe tse di bonwang le ke sefofu tota, a supa fa boeteledipele le jone bo tshwanetse go nna ngatana e le nngwe le puso go netefatsa gore maikaelelo a a atlega. Rre Molamua a re baamogedi ba mananeo a ke bone ba ka intshang mo lehumeng fa ba ka nitama mo dithusong tse ba di neilweng go tlhabolola matshelo a bone le go tlhama ditiro. O ne a ba kgothatsa go tsaya nako e ntsi ba bereka mo dikgwebong tsa bone a bo a ba kopa gore dikgwetlho di seka tsa ba kgoba marapo mme ba kopane gangwe le gape ba amogane maele a go ka di fema. O ne a ba gakolola go nna ba bua ka mananeo a bone gope fela kwa ba tsamayang gone ka go dira jalo ke go ipapatsa. economy_business_and_finance 3 Letsomo le tla a fokotsa tshenyo Mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe, a re go tsosolosiwa ga letsomo go tlaa hema tshenyo e e dirwang ke ditlou. Rre Lelatisitswe, yo gape e leng Mothusa Tona wa Botsogo le Boitetkanelo, o buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla kwa merakeng ya Mmakgama, Nthane le Tsutsuga bosheng. A re go emisiwa ga letsomo go ne ga dira gore ditlou di ntsifale. A re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o ne a ntsha lekoko go sekaseka tse e leng matshwenyego a Batswana ka diphologolo. O boletse gape fa maikaelelo a ga Tautona e le go tlhofofatsa dilo tse di amang matshelo a setshaba. Rre Lelatisitswe a re go tlaa letlelelwa Batswana go dirisa bontlha bongwe jwa masimo a bone go dira dikgwebo, ba dira jalo ba sa fetole setlankana. O tlhalositse fa molao o mongwe e le wa gore matlhabelo aBotswana Meat Commission a ikemele ka nosi le gore Batswana ba kgone go rekisa leruo la bone kwa mafatsheng a go bonweng mmaraka kwa go one. Rre Lelatisitswe a re Tautona ga a na maikalelo a go emisa lenaneo lepe fela ebile o ikemiseditse go a tlhabolola. O ne gape a tlhalosa fa go okeditswe madi a phimolo dikeledi ya diphologolo tse diborai jaaka tlou go nna 100 per cent ya dilo tse di sentsweng mme ya dibatana yone e sa fetoga ka jaana go dumelwa gore motho o ka itshireletsa mo go tsone le leruo la gagwe. O ba tlhaloseditse gore puso e okeditse dituelo tsa badisa go nna P1 000. Banni ba Mmakgama, Nthane le Tsutsutsuga ba ne ba lela ka tshenyo ya ditlou le letlhoko la metsi. Ba ne gape ba ngongorega ka gore lephata la diphologolo ga le tsibogele dipego tsa bone fa ba senyeditswe ke diphologolo. society 9 Ba kopiwa go ntsha ba-na-le-bogole kwa mahure Molaodi wa kgaolo ya Kweneng, Dr Temba Mmusi o kopile banni ba Moshaweng go seka ba baya ba-na-le-bogole ka fa mahure gore le bone ba tle ba akole mananeo a puso jaaka Batswana ba bangwe. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi (Phalane a le lesome le motso) kwa motseng oo, Dr Mmusi o ne a tlhalosa fa go fitlha mo-na-le-bogole e le go mo rontsha ditshwanelo tsa gagwe ka jaana go na le mananeo a a faphegileng a a itebagantseng fela le bone. O ne gape a kgothatsa morafe ka kakaretso go ikopela mananeo a puso a nyeletso lehuma le a go tlhama mebereko ka dipalo tse di kwa godimo ka jaana madi a a ka ba thusang a le teng. A re batho go lebega ba ipeile fela mo lenaneong la Ipelegeng ntswa e se tiro e le fela go leka go ba tlodisa melatswana, mme a ba kgothatsa go leka mananeo a tshwana le la LIMID le a mangwe a nyeletso lehuma ka jaana maduo a one a ka nna a sennelaruri fa a tshwantshanngwa le la Ipelegeng. Mo go tse dingwe, Dr Mmusi o ne a kgothatsa ba lephata la kabo-ditsha go letlelela banana go dirisa diphatlha tse di mo gare ga metse go simolola dikgwebo, a re ba ka dira jalo ka taelo ya gore ba seka ba dira madirelo a sennelaruri mme ba itse gore nako e setsha seo se batliwang ba tlaa fuduga. A re se ke ka jaana diphatlha dingwe di kgona go nna dingwaga ngwaga go ntse gotwe di emetse go tlhabololwa mme go sena sepe se se dirwang mo go tsone. Dr Mmusi o ne gape a kopa morafe wa motse oo le maphata a puso go lomagana gore ditirelo di tle di tsamae ka bobebe go ya kwa bathong, a re tsela nngwe ya go kgona seo e ka nna go tsosolosa dikomiti tsa bodirela-puso tsa motse. Dr Mmusi o ne gape a tlhalosetsa banni ba motse oo fa letlhoko la dikoloi le apere lefatshe leno ka bophara. O ne gape a tlhalosa fa a tlaa latedisa gore ke ka go reng mananeo a puso a nyeletso lehuma a goroga ka boutsana kwa motseng oo. O ne a tlhalosa jalo morago ga gore modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Kagiso Bafitlhile a kae fa bontsi jaw bodiredi kwa motseng jaaka baoki le molemisi ba sena dikoloi, mme a re se se dira tiro ya bone bokete. Rre Bafitlhile o ne gape a ngongorega ka bonya ja mananeo a nyeletso lehuma kwa motseng ntswa baikopedi ba sa bolo go sekasekwa. Le fa go ntse jalo, Rre Bafitlhile o ne a lebogela maiteko a mangwe a puso jaaka go shafatsa mangwe matlo a borutelo kwa sekolong sa motse oo, matlo a mabedi a boroko, mme le fa go ntse jalo a kopa gore matlo ao a borutelo a okediwe ka jaana a santse a tlhaela. O ne gape a kopa gore kokelwana e okediwe e tsenngwe kamore ya pelegisetso. Mooki mogolo wa kgaolo-potlana ya Letlhakeng, Mme Midah Mogonono o ne a tlhalosa fa letlhoko la madi le dira thata gore kokelo eo e okediwe, mme a re ba lekile go oketsa bodiredi ja kokelo eo e le tsela nngwe ya go tokafatsa ditirelo. A re koloi ya kokelo eo e sa le e ntshitswe mo tirisong ka ntlha ya gore e ne e setse e onetse thata mme e sa kgone. E rile a a fa malebo, mokhanselara wa kgaolo eo Rre Rutang Rasega a lebogela leeto la ga molaodi, a re mo nakong e ntsi fa ba buisa diphuthego tsa kgotla ba na le go palelwa ke go fa batho ditlhaloso tse di tsepameng ka jaana di a bo di batla bone balaodi ka sebele. O ne gape a supa fa motse wa Moshaweng e le mongwe wa e metona mo kgaolong eo, mme ka jalo a re o tshwanetswe ke ditlhabololo tse o di lekaneg jaaka kokelo e kgolwane le go tshela sekontere ditsela tse di o lomaganyang le metse e e mabapi, bogolo jang wa Molepolole ka e le one o gantsi ba tsayang ditlamelo kwa go one. Batho ba motse oo gape ba ne ba kopa gore ba fudusetswe kwa kgaolong ya Molepolole e nne gone kwa ba tsayang ditlamelo teng, ba re mo nakong ya gompieno ba di tsaya kgakala kwa Letlhakeng. society 9 Ba kgalelwa go nna maoto a tshupa Banni ba Jackalas I ba kgaletswe go sa tla ka dipalo tse di kwa godimo kwa moletlong wa pulo semmuso wa dikago tsa kokelwana ya motse wa bone. Fa a bua mo boemong jwa ga Rre Samson Guma yo a leng mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Tati Botlhaba, modiri kwa ofisisng ya mopalamente, Rre Mpaphi Zibochwa o ne a supa fa go swabisa go bo tshologelo ya morafe e sa nna e e kalo kwa tirong eo. A re go sa tla ka bontsi ga banni kwa tirong eo e e neng e tshwerwe ka Matlhatso go a tlhobaetsa ka go ka fa ba sesole sa Botswana ba ba neng ba ba abela dikago tseo kakanyo ya gore ga baa itumelela thuso ya bone. Rre Zibochwa o ne a tlhalosa fa go agwa le go abiwa ga dikago tseo e le sesupo sa ka fa sesole sa lefatshe leno se kgathalang ka matshelo a batho ka teng. A re tiro e ba e dirileng ka go atolosa kokelwana ya motse oo ga e gakgamatse ka makalana a a farologaneng a sesole sa Botswana a nna gangwe le gape a otlolola letsogo go thusa setshaba le go fokoletsa ba ba tlhokileng lesego manokonoko a botshelo. Rre Zibochwa o ne a gwetlha makalana a mangwe a puso le a a ikemetseng go ikitaa ka thupana go thusa puso mokgweleo wa go tlamela Batswana ba ba nang le letlhoko. E ne e rile go le pele a amogela kokoano e e neng e tsene moletlo oo, Kgosi Tapson Jackalas a phophotha legetla ba sesole sa Botswana ka tiro e ntle a ba e diretseng morafe wa gagwe. A re go a itumedisa go bo ba ne ba seka ba lelala puso gore ke yone e ba thuse go dira tiro eo, mme ba ne ba itlhotlhora dikgetsi go thusa banni ba motse wa gagwe. Kgosi Jackalas o ne a ba lebogela seabe sa bone mo go thuseng lefatshe leno go gagabela kwa maitlamong a lone a gore e re ka ngwaga wa 2016 Batswana e bo e le tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathalelana. Fa a latlhela la gagwe, mogolwane go tswa kwa sesoleng kwa Francistown, Lieutenant Colonel Nicholas Motswagole, o ne a supa fa ba tseetse kwa godimo mokgosi o puso e o tlhabileng wa gore Batswana ba nne tshaba e e tshegetsanang. A re e re ka mo sesoleng dikgang tsa botsogo di tsewa ka tlhwaafalo ka temogo ya fa lesole le le sa tsogang sentle le ka seke le kgone go dira tiro ya lone ka botswerere, ba ne ba bona go le botlhokwa gore ba rotloetse botsogo jwa setshaba ka go thusa go tokafatsa go abiwa ga ditirelo tsa botsogo. Fa a gatelela masisi a ba tsaang dikgang tsa botsogo ka one, Lt. Col Motswagole o ne a supa gape fa ba diretse kokelwana ya motse oo tshingwana ya merogo. A re ba lemogile fa go amogelela ditirelo fa go siameng, ga mmogo le go ja dijo tse di rileng go na le seabe se setona mo go nneng le botsogo jo bo eletsegang. Lt Col Motswagole o tlhalositse gape gore e re le ntswa maikaelelo a bone kwa tshimologong e ne e le go agela motlhoki ntlo ya bonno, go sa nna teng ga motho yo o neng a tlhoka thuso ya mothale oo mo motseng go ne ga ba fa sebaka sa go dira tiro e e sologelang botlhe molemo mo motseng. Mogolwane wa tsa botsogo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba Mme Matildah Tema le ene o ne a iteela legofi bobelotlhomogi jwa masole. A re diphaposi tse tharo tsa motlaleletsa tse di agilweng ke ba sesole di nolofaditse go menagane go abiwa ga ditirelo tsa botsogo mo kokelwaneng ya motse oo. A re pele ga kago eo, ditirelo di tshwana le go kala bana di ne di direlwa kwa ntle, fa balwetse le baimana ba ne ba fapaanela phaposi e le nngwe. Mme Tema o ne a tlhomamisetsa batsena-tiro eo fa ba botsogo ba tshwaragane le bogogi jwa motse ba tlaa dira ka natla go tlhokomela dikago tseo. Bokhutlo politics 7 Komiti ya loeto lwa ga tautona wa pele e weditse tiro Komiti e e neng e rulaganyetsa leeto la tsamaya sentle la ga tautona wa pele e abetse kgotla ya Palapye ditilo di le makgolo a mane tse di rekilweng ka madi a a neng a sala morago ga leeto ya bo ya rolela bogogi tse e di dirileng. Motshwara madi wa komiti, Rre Lawrence Bodilenyane o tlhalositse fa madi otlhe a a neng a kgobokantswe e le P444 572 mme ga sala P21 100 yo o dirisitsweng go rekela kgotla ya Palapye ditilo. Rre Bodilenyane a re tsotlhe di tsamaile ka fa tshwanelong e bile ba dirile gotlhe mo ba ka go kgonang go kgotsofatsa morafe ka go rerisana le bogogi ga mmogo le mopalamente wa kgaolo. O akgoletse beng ba dikgwebo le banni tshwaragano e ntle e e ba kgontshitseng go dira tiro eo mo nakong e khutshwane, a re kemo nokeng ya dikhamphani, beng ba dikgwebo le batho ka bongwe ka bongwe e ne e le ya maemo a ntlha. Pego eo e ne ya itumelelwa ke boeteledipele jwa motse ba bo ba e amogela le go supa fa ba itumedisitswe ke ka fa komiti e dirileng ka teng mo nakong e khutshwane e ba neng ba e neetswe go dira tiro eo, e e eng e le mashetla e bile e tlhokana le go dirwa ka manontlhotlho. E ne ya re a rola ditilo, mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya a supa fa go sena sepe se a se ngongoregelang, a re morafe ga o ke o tlhoka go ngongorega, segolo jang mo ditirong tse ditona mme a akgola komiti a re e dirile ka botswapelo mo nakong e khutshwane. A re therisano ke sengwe sa tse di fenyang tsotlhe mme ga go na motho yo o ka senyang a sa dire. O ne a rolela mothusa kgosi, Rre Michael Maforaga ditilo tseo a re go mo go bone gore ba di baya kae ka e le tsa kgotla ya bone. BOKHUTLO politics 7 Banni ba Dimajwe ba a iteka Kgosi Kebadiretse Kebonemang wa Dimajwe a re banni ba leka ka bojotlhe go obamela melawana e e beilweng ke puso go hema go tsenwa ke mogare wa corona. O boletse mo potsolosong bosheng gore molaetsa wa gore go itshirelediwe jang go tila mogare o gorogile sentle ebile o aname mo motseng, mme sebe sa phiri ke gore banni ba koo ba tshela matshelo a a farologaneng le a metse e metona. A re banni ka bontsi ba lemile ebile ba ruile mme seemo se tsile ka nako ya letlhafula mme ba tshwanelwa ke go lekola masimo le go nosa leruo ba bo ba boela kwa malwapeng a bone. Kgosi Kebonemang o file sekai ka bangwe ba mo nakong eno ba santseng ba ise ba tsenye metsi mo malwapeng mme ba gelela kwa baagisaning a re ba tshwanelwa ke go tswa mo malwapeng a bone. A re bangwe ba apaya ka dikgong mme ba tlamega go ya go rwalela pele ba ka baya pitsa mo isong. Le fa go ntse jalo, a re masimo a banni a gautshwane le motse mme o ba gakolotse go dira se se tshwanetseng. A re o ba gakolotse gape gore ba seka ba kgobokana mme o lemogile gore ga go na motsamao o o sa tlhokafaleng mo motseng fa e sale puso e laola gore go nniwe mo malwapeng. Mo go tse dingwe, Kgosi Kebonemang o a akgoletse khamphane ya metsi go dira gotlhe mo e ka go kgonang go bona gore banni ba bona metsi ka nako tsotlhe ka e le one a dirisiwang thata go thibela kanamo ya COVID-19. BOKHUTLO health 6 Mokgatlho o thusa go tiisa malwapa Modulasetilo wa mokgatlho wa Dingwetsi Association, Mme Grace Silver, o kopile bomme ba dingwetsi go tlhwaafalela go tlhokomela le go aga malwapa a a tiileng. Mme Silver o buile se mo bokopanong jwa mokgatlho kwa Lerala bosheng. O tlhalositse fa bomme bangwe ba dule mo tseleng mme ba sa tlhole ba batla go thusa borre mo malwapeng. A re basadi bangwe ba tsaya dikgang tsa malwapa a bone ba bo ba di bolelela ba ba seng maleba ka jalo o gwetlhile bomme go emisa go dira jalo ka a re go thuba malwapa. O tsweletse a tlhalosa gore borre ba tlhomilwe e le ditlhogo mo malwapeng go ya ka molao wa Modimo mme go supagala fa mo malwapeng ka bontsi bomme ba gapetse borre seemo sa bone sa go nna tlhogo ya lelwapa.. O tlhalositse fa mokgatlho wa Dingwetsi Association e le mokgatlho wa bomme ba dingwetsi ba ba ilang tlhalo e bile gape ba sa rotloetse go thuba malwapa ga banyalani ba bangwe. A re mokgatlho o o tshwentswe thata ke dikgang tsa go thubega ga malwapa tse di ileng kwa godimo le batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana ka jalo maikaelelo a bone ke go ruta le go fa bomme maele ka go tlhokomela lelwapa, go ruta basha ba ba mo nyalong go tlhokomela nyalo ya bone, go bua le go rutana le borre ka kago ya lelwapa le gone go fa bomme ba ba godisang bana ba le nosi maele a botshelo. Mme Silver o tlhalositse fa lenyalo mo molaong wa Modimo e le thulaganyo ya Modimo fa gare ga batho ba babedi mme e bile go sena gope fa go buiwang ka tlhalo teng. Mme Silver o ne a supa fa lenyalo e le tshegofatso mme tlhalo yone e le phutso mo go yo o ka fitlhelwang a tsene mo go yone.O ne a gwetlha bomme le borre go tlhokomelelana mo nyalong ka e le sone se Modimo a se eletsang gore botlhe ba ka se dira. O ne a rotloetsa botlhe ba ba nnang mmogo ba sa nyalana go tsena mo nyalong. society 9 Kgogakgogano ya sediba sa Radisele e bepile Mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya o kopile bannni ba masimo a Makoro le Modoole go kopanela sediba se se neng se epiwa ke khamphani ya Sterling fa ba dira tsela ya masimo a Radisele. Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Makoro bosheng, Rre Goya o kopile banni gore ba seka ba ithontsha tshwanelo ya gore puso e ba gokelele sediba se, jaaka fa go ne go solofeditswe. A re kgang ya moruthutha ka sediba e tshwanetse go fela gore puso e ba thuse gore ba se dirise go itshetsa, a tlatsa ka gore dipharologano di dia ditlhabololo. Rre Goya a re ba tshwanetse go dumalana le bontsi ka gore puso ya Botswana ke ya batho ka batho e e dumalanang le bontsi a re bontsi bo supa fa sediba e le sa morafe. A re palo e e potlana e e sa dumalaneng, e amogele seemo gore puso e tle e diragatse ditsholofetso tsa yone go gokela sediba. O gakolotse lephata la temo-thuo gore fa ba se gokela, ba se ka ba dirisa leokwane ka gore le ka sokodisa ka go fela, mme a kopa gore ba dirise marang a letsatsi ka o ne ga ana go nna a batla madi kgapeta kgapetsa. Mopalamente Goya o kopile banni gore ba tshwaragane, ba utlwane, go rene kagiso le thokgamo ga reng ga bone gore ba tle ba dirise sediba ka neelano. O gakolotse komiti e e tsamaisang sediba go bitsa phuthego go fa pego ka se se diragalang gore banni le bone ba nne le kitso ka sediba sa bone, ba emise dikgogakgogano tse di ka se keng di ba ise gope. Mogolwane wa tsadiso ya leruo kwa Palapye, Rre Kabelo Dintwe e ne o supile fa dikgogakgogano tse di tlaa felela di bakile gore puso e lese ka tsholofetso e e neng e dirilwe nako ya fa e adima sediba se mo go bone go se dirisa. A re puso e ne e rile e tlaare fa e fetsa ka sone, e tlaa ba direla tharabololo ya sennelaruri ya go se ba gokelela gore ba tle ba se itsamaisetse ka mo ba ka kgonang ka teng. society 9 Makhaselara a tlhalosediwa ka merero ya thuto Mogolwane wa lephata la thuto wa kgaolo ya Legare, Rre Sane Mooketsi, o tlhaloseditse makhanselara a kgaolo-potlana ya Boteti ka merero ya lephata la thuto. Rre Mooketsi o ntshitse tlhaloso e kwa phuthegong ya khansele ya kgaolo-potlana ya Boteti ka Labotlhano a re tiro ya lephata la thuto ke go fa thuto boleng jo bokwa godimo e bile e le maleba e akaretsa botlhe. Rre Mooketsi o ba tlhaloseditse ka tsa phiro a re mo kgaolong ya Legare ba hira le, go tlhatlosa maemo, le go fudusa babereki ba dikamogelo tsa C-band go ya ko tlase. A re barutabana ba nakwana bone ba hirwa sebaka sa ngwaga fela. E rile a tlhalosa ka dikgwetlho tse ba nang le tsone a re ba sa ntse ba na le kgwetlho ya lenaneo la phiro la Oracle, a re go ne go na le babereki ba le makgolo a marataro ba ba senang diphatlha le ntswa ba hirilwe. O tsweletse a re phiro e tshwanetse ya dirwa fela fa go na le phatlha ya tiro. Rre Mooketsi a re ba leka go baakanya seemo sa lenaneo le e bile ba kopile diphatlha tsa tiro tse disha. A re dikgwetlho tse dingwe tse ba kopanang le tsone ke tsa barutabana ba ba ganang phiro ga mmogo le tlhatloso maemo ba lebile mafelo a ba isiwang kwa go one, kana ba na le mabaka a a farologanyeng. O tsweletse ka gore letshwenyego le lengwe le ba nang le lone ke la barutabana ba ba ntseng lobaka mo lefelong le le lengwe. Rre Mooketsi a re maikaelelo a bone ke go fudusa ba ba ntseng lobaka mo lefelong, ga mmogo le go sala morago tsamaiso ya phuduso ya barutabana. E rile a itebaganya le go baakanngwa ga dikole, a tlhalosa gore maikaelelo a bone ke go di baakanya mo ngwageng wa botlhano mongwe le mongwe. A re gantsi ba kgoreletswa ke tlhaelo ya madi, a re dikole tse di mo seemong se se maswe ba tlaa di kopela mo lenaneong la ESP. A re mathata a mangwe a ba kopanang le one ke a tshenyo ya dikago e e dirwang ke bana ba dikole,a tlhalosa gore ba ya go dira molawana wa gore yo o senyang a duele. O ne a tlhalosa fa lenaneo la Target 20 000 e le go leka go rutuntsha banana ba ba sa berekeng ka dikitso, a tlhalosa gore tiro ya kgaolo ke go kwadisa banana ba bo ba romela kwa ofising kgolo Gaborone, mme dikole tsone di rulaganya le ba ba atlegileng fela. Rre Mooketsi a re mo palong ya 20 000 go tserwe banana ba le 13 045, ba le 1 372 ba weditse dithuto tsa bone, a re ba le lesome le bobedi mo go bone ba bone ditiro. Mokhanselara wa Kedia/Mokobaxane Rre Dikgang Orapeleng o ile a botsa gore barutabana ba ba nang le dithuto tsa diploma thulaganyo ya go ba isa dikoleng gore ba ikoketse e dirwa jang. O ne gape a re banana ba Tirelo Setshaba ga ba tlhaloganye gore tota tiro ya bone ke eng le gore e ya go ba solegela molemo jang. Mokhanselara wa Letlhakane Botlhaba, yo gape e leng mothusa modulasetilo wa khansele ya Legare Rre Ketshwereng Galeragwe a re sekole sa ithutelo ditiro sa brigade se sa le se lela ka lenaneo la bone la tiro (organization structure) nako kgolo ke eno ga se ise se e bone, e bile ba sa le ba tsewa ke goromente ga ba tlhatlosiwe maemo. Rre Galeragwe o ne gape a ntsha letshwenyego la go diega ga madi a itshetso a baithuti ba brigade. Mokhanselara wa Mopipi, Rre Matshwenyego Shaka a re fa palo ya barutabana e e beetsweng sekole e sa lekana ke eng se se paledisang gore go kabiwe diphatlha tse di tlhaelang. Le gore ka gore barutabana ba maemo a C band ba hirwa mo kgaolong ke sone se se dirang gore go nne le mathata a tlhaelo ya barutabana. O bile a supa letshwenyego la barutabana ba ba nnelang ruri mo lefelong. Mokhanselara wa Moreomaoto/ Khumaga Rre Thomas Kgethenyane, a re o ipotsa gore ke eng gotwe mmaraka wa barutabana ga o yo ntshwa go na le diphatlha mo dikoleng, le gore a phatlha ya tiro ke ya motho kana ke ya sekole.BOKHUTLO education 4 Tlotlang ngwao - Masisi Kgotla ke nngwe ya mafelo a a santseng a supa fa ngwao e itsetsepetse. Bomme ba ya kgotleng ba rwele ditukwi, ba okegile magetla ebile ba sa letlelelwe go apara marokgwe. Go solofelwa gore borre bone ba apare dibaki fa ba ya kgotleng. Baeteledipele ba santse ba rotloetsa setshaba go itse ka ditso le tlholego ya bone e sere mo nakong e tlang ba bo sa itlhaloganye. Le fa go ntse jalo, tona wa Merero ya Ofisi ya Ofisi ya ga Tautona le Bodirela Puso, Rre Mokgweetsi Masisi, o kgothaditse morafe wa Bakgatla ba ga Mmanaana go tlotla le go lemoga ngwao ya bone. Rre Masisi a re ba tshwanetse go dira seo ka go tlotla bogosi, kgotla le go tsena ditiro tsotlhe tsa morafe ka mokatakata. O buile jalo bosheng kwa moletlong wa go ipelela ngwao le dikgafela o o neng o tsenwe ke mapalamente, dikgosi, makhanselara le dikgosana go tswa Moshupa le Thamaga. Tona Masisi, yo gape e leng mopalamente wa Moshupa, o tsweletse ka go tlhalosa fa ngwao e somarelwa ka go kwalwa. “Ke kopa gore le etse mafatshe a humileng. Fa le bona ba na le matlo kgotsa mafelo a polokelo ngwao a tlhabologileng, ke gore ba kwala le go dira ditshwantsho tsa motshkinyego ka sengwe le sengwe se amanang le ngwao ya bone, mme ba se bapatse go dira madi le go fetisetsa kitso kwa dikokomaneng tsa bone,” Mopalamente Masisi a gakolola. Fa akgela, mogolwane wa ofisi ya metshameko le ngwao mo Thamaga, Rre Orometswe Maotwanyane, o ne a tlhalosa fa lephata la bone le lemogile fa kitso ya ngwao le ditso e tlhaela. Ka jalo, a re o gwetlha dikgosi le magosana go ikitaya ka thupana go kwala dibuka tsa ngwao. “Kgosi Keineetse Sebele, nako e tlang ke solofela gore o tlaabo o sa bolele ka ditso tse o di badileng mme ele tse o di kwadileng; fa re sa ikele tlhoko re ka se tsoge re itse gore lesika la rona le atile jang,” Rre Maotwanyane a gakolola. O ne a gakolola bogogi jwa motse go fa tetla ba ditshwantsho tsa motshikinyego le bakapa ditshwantsho go ba kgobokanyetsa ditiragalo tsa ngwao ba simolola ka yone meletlo ya go ipelela ngwao; go itsa gore mo nakong e tlang ba bo ba di reka mo go bone ka tlhwatlhwa e kgolo. Rre Maotwanyane o ne a bolela fa lephata la metshameko le ngwao le ikaelala go tswelela le rotloetsa meletlo ya ngwao ka go ntsha madi le go fa thuso epe e ka tlhokafalang fa go na le thulaganyo e e tlhamaletseng. Mo nngweng ya ditshupo tsa ngwao, go ne ga supiwa ntlo ya Setswana e go boletsweng fa e agilwe ke bahumagadi ba dikgosana tsa Thamaga. Mohumagadi wa kgosana ya Kgosing, Mokgobo Moshagana o tlhalositse fa ntlo eo e bopetsweng ka mmu, ebo e kgaphiwa ka boloko. Mohumagadi Moshagana a re karolo ya dikgosana e ne ele go ba remela ditlhomeso le go rulela ka bojang jwa motshikiri. ,Mo ntlong eo go ne go bopetswe kobotlo ebile go na le mhogole le setallasi se se neng se pegile ngata ya lengangale le kgetsi ya mmidi; se ele go supa ka fa goneng go tshelwa ka teng bogologolo. “Re thaile ntlo e ka go kokotela legong fa gare mme re bo re funelela mogala mo go lone go re ntlo e nne le popego. Mebu e re e dirisitseng go batega ka yone re e epile kwa lentsweng la Sisitajwe,” Mma Moshagana a tlhalosa. Ere dikgang di eme jalo, kgosi ya Bakgatla ba ga Mmanaana, Gobuamang Gobuamang o ne a ntsha kitsiso ya gore etlaare ngwaga o tlang go sena go bolotswa letsema manyalo a tlaa emisiwa. “Ka letsatsi la botsalo jwa Morena, ngwaga o mosha, le paseka tota ga gona go letlelelwa manyalo. Kgang e re santse re tla e buisana le balaodi le bogogi jwa motse,” Kgosi Gobuamang a konela. Bokhutlo arts_culture_entertainment_and_media 0 Sebipeng mpa ka mabele Bathoba Komana mo kgaolong ya Bokone Bophirima ba kgadile ba sa kgwe mathe mokgwa o ba boletseng fa e le selo modiro mo motseng wa bone wa go fitlha dirukutlhi. Ba buile jalo mo phuthegong e e neng e tsentswe kwa motseng wa bone ke Ramapodisi a Maun Rre Kenanao Badumetse mo bosheng a le mo leetong la gagwe la go ipegela morafe. Fa a tswa la gagwe Rre Ketlaabareng Pelonomi o boletse fa mokgwa oo o atile fela thata mo motseng wa bone. A re batho ba reka dinama tse di tlang kwa go bone di le mo dibekeng e bile gantsi e le dinama tsa bogodu. Le fa go ntse jalo, a re se se makatsang ke gore batho ba mothale oo, ke ba ba sa ruwang le fa e le sepe tota. Rre Gosirang Noke ene o boletse fa lesika e le mathata mo borukutlhing jwa Komana. A re le fa go senngwa jang, go senya batho ba ba itsiweng, mme ga go mokgwasa ope o o ka tswang. A re seemo seo se buseditse motse wa bone kwa morago mo e bileng ba setse ba le mo lehumeng ka leruo la bone le itseelwa fela. O tlhalositse fa le yone ntebele ke go lebele e e thusang metse e mengwe, e itaya se folletse ka ba setse ba tshaba go laelana fa ba tsamaya. Batho gape ba kgadile thata bogodu jwa ditante tsa bakenti ba e leng bone ba tshwereng leruo la bone. Ba boletse fa bogodu jo bo ngomola pelo fela thata ka e bile dirukutlhi tsa mothale oo di tsaya ditante mme di tlogele dilwana tsa batho mo lebaleng. Fa a ba kgwa dikgaba Rre Badumetse o ba kopile go thusa sepodisi ka go tshwaraganela go lwantsha borukutlhi a bo a kgala thata batho ba ba rekang ditante tsa puso ntswa ba itse fa di utswilwe. A re ntebele ke go lebele e tshwanetse ya dirisiwa ka e thusa fela thata fa batho ba seyo mo gae. Rre Badumetse o boletse gape gore mokgwa wa go fitlha dirukutlhi ga o a siama e bile go reka dithoto tsa mothale oo ke molato o motho a ka o sekelang. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 BDP ga nke e ipone tsapa - Kgathi Mopalamente wa Bobirwa, Rre Shaw Kgathi a re Botswana Democratic Party (BDP) e tla a tswelela ka go tokafatsa matshelo a Batswana ka go tsisa mananeo a a ka tlhabololang matshelo a bone. Rre Kgathi o buile seo mo phuthegong ya phatlalatsa kwa Moletemane mo kgaolong ya Bobonong. A re BDP ke sekao sa phathi e ka kgonang go busa e bile motlhala wa ditiro tsa yone o a bonala. A re maloko le Batswana ka kakaretso ba tshwanetse go tswelela ba tlhopha Domkrag, ka gore mananeo a tshwana le a temo thuo a LIMID, ISPAAD, la banana la go itshimololela dikgwebo la YDF a kgonne go ntsha banana mo lehumeng mme bontsi bo ile jwa tlhamela ba bangwe ditiro ka one. Rre Kgathi, yo eleng motshwaralela tona mo ofising ya ga tautona, o supile fa mananeo a Tirelo Setshaba le Ipelegeng ele mangwe a a dirisiwang go fokotsa manokonoko a lehuma. A re Batswana ba itlhokomele mo diphathing di tshwana le ya Botswana Congress Party, e e supang fa e ya go emisa mananeo otlhe a akolwang ke Batswana, mme e sa supa mananeo ape a yone a botoka go gaisa a Domkrag. Mopalamente Rre Kgathi a re Batswana ba tshwanetse go kgaogana le phathi ya BCP e bile ba seke ba e tlhopha ka e dirisa mafoko a a botlha mo ipapatsong ya yone. Godimo ga moo, o ne a kopa maloko a Domkrag go nna bonolo le maitseo fa ba le mo ipapatsong ya bone. A re ope yo eleng leloko la Domkrag ga a tshwanela go gagautlhana le ope wa kganetso mo ipapatsong ka seo se ka tsisa dikgotlhang. Fa a ama ditlhabololo tsa motse wa Moletemane, yo o tsentsweng mo kgaolong ya Bobonong go tswa mo go ya Tswapong Bokone, a re ene le moemedi wa khansele Rre Elijah Basinyi ba tla tswelela ka go buelela motse o gore o akole ditlamelo le ditlhabololo. Rre Kgathi a re motse o o tlhoka tsela ya sekonotere, e golaganyang motse o le wa Tsetsebye; go gokela metsi a tswang kwa letamong la Thune gore khampane ya Bokomo Richmark e tswelele ka go dira mme e tlhamele banni diphatlha tsa mebereko. O ile a supa ntlhopheng wa bokhanselara Rre Basinyi mme a kopa banni ba Moletemane go mo tlhopha, a supa fa BDP e solofetse go tlhophiwa ke batho ba le 1 000 mo kgaolong eo. Kgaolo ya Moletemane ka ditlhopho tse di fetileng e ne ya fenngwa ke phathi ya BCP. Le fa go ntse jalo, Rre Kgathi o kopile banni ba motse oo go e busetsa mo go ya Domkrag mono ngwaga. Fa tswa la gagwe Rre Basinyi, o kopile banni go mo tlhopha ka a nale bokgoni, a bo a ba tlhagisa gore ba se itlhabe ka thipa mpeng jaaka ba ne ba dirile ka go tlhopha BCP ka ngwaga wa 2009. Modulasetilo wa kgaolo ya Bobonong Rre Monkemedi Dingalo ene o galaleditse bontlhopheng ba peo letlhokwa ba a reng ba supile mowa wa lerato, ka go ikamanya le yo o fentseng go mo thusa mokgweleo. O kopile maloko le batlhophi ka kakaretso go tlhopha Rre Kgathi mo bopalamenteng le Rre Basinyi gore BDP e tswelele e busa. A re Rre Kgathi o nonofile e bile ka a itshupile bokgoni ka ditiro tsa gagwe e le tona ya banana metshameko le ngwao, mothusa tona wa temo thuo le mo ofising ya tautona. Rre Opelo Makhandela, ntlhopheng wa bopalamente kwa kgaolong ya Selibe Phikwe Bophirima o kopile Madomkrag go boelelana gore ba fenye ditlhopho tse di tlang. A re kagisano e e supiwang ke maloko e supa fa BDP e tsile go gapa kgaolo eo bonolo. Bokhutlo politics 7 Monana o bona botshelo mo dihutshaneng Monana wa Ditshukudu mo kgaolong potlana ya Molepolole/Lentsweletau Rre Topo Sekgethiso wa dingwaga tse di masome mabedi le bone o tlhalositse fa dipodi di bogadi bo gaofi. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Rre Sekgethiso o ne a tlhalosa fa dipodi di sena dingalo go tlhokomelwa, mme e bile a supa fa di na le mmaraka o o botoka thata. O tlhalositse fa a sale a nna le lorato mo dipoding a santse a le monnye, a kaya fa le tsone di ne di mo rata mme selo seosa dira gore a felele a nna le kgatlhego mo go di rueng go leka matshelo ka tsone. Rre Sekgethiso a re morago ga go fetsa sekole, o ne a kopa madi ka lenaneo la banana mme a fiwa P 100 000 ka 2017, a supa fa a ne a reka dipodi di le masome a matlhano le bongwe, mo go tsone di le masome a mane le boferabongwe ele dinamagdi fa di le pedi e le diphoko. A re o rekile dipodi di santse di dusa mme mo nakong eno di setse di simolotse go tsala, a kaya fa thekiso le yone a setse a e simolotse. A re maikaelelo a gagwe a matona ke go rekisetsa ba LIMID le la nyelestso lehuma, mme e re le ba ba rekang ka bongwe le bone ba mo etletsa. A re le fa go ntse jalo, o lebanwe ke kgwetlho ya dibatana segolo jang dihutshane le le akaretsang phokoje le phiri a supileng fa le ba tlhorontsha thata mo kgaolong ya bone. O bile a supa fa gape podi le yone e tshabelelwa ke malwetse, mme a kaya fa a dirisana thata le bo ralophalo go mo tlhatlhelela thata ka fa a ka laolang malwetsi ao ka teng. Rre Sekgethiso a re ka e le gone a simololang o santse a lebane le kgwetlho ya tlhaelo ya madi mme a supa fa batsadi ba mo eme nokeng ka jaana ba mo adima madi go ka kopanya fa go tlhaelang teng gore a kgone go fitlhelela toro ya gagwe. O bile a rotloetsa banana go tsaya temo-thuo ka tlhoafalo ka jaana motho a ka e dirisa go itshetsa ga mmogo le go tlhabolola botshelo jwa gagwe. A re bontsi jwa banana ba bona go nna kwa masimo e le poelo morago mme a ba rotloetsa go sa tseyeng temo thuo jaaka itloso boduto mme ba e tseye jaaka kgwebo e ka nnang le seabe mo tlhabololong ya lefatshe. ENDS economy_business_and_finance 3 Go itse seemo sa mogare go botlhokwa Kgosi David Megano wa motse wa Maralaleng o gwetlhile banni ba motse oo le setshaba ka kakaretso go ya go itlhatlhobela mogare ka seo se ka thusa thata mo go tseyeng dikgato tse di maleba. Kgosi Megano o buile se kwa kabong dimpho ya komiti ya ditlhabololo tsa motse jaaka ba ne ba abela ba mokgatlho wa bomme ba ba tshelang ka mogare wa HIV kwa kgotleng kgolo ya Maralaleng bosheng. Kgosi o tlhalositse fa go ya go itlhatlhobela mogare go le botlhokwa ka go tla thusa thata mo go tlhomamiseng gore motho a tseye dikgato tse di maleba. A re ga go a tshwanela gore batho ba tlhabiwe ke ditlhong mme ba tshwanetse ba nna le boikarabelo ka seo se ka thusa go tshela motho a phuthulogileng. O tlhalositse fa bomme ba le borobabobedi ba ne ba itshupa fa pele ga gagwe le mo morafeng mme ba mo tlhalosetsa fa ba ne ba tsaya kgato ya go ya go itlhatlhoba, jalo ba ikamogetse ka ba tshela le mogare. A re ba re maikaelelo a bone ke go ngokela ba bangwe mo mokgatlhong oo.O phophothile legetla ba komiti ya ditlhobololo tsa motse ka tiro e ntle e ba e dirileng ya go abela ba mokgatlho oo dimpho, ka seo gape e le go fitlhelela lengwe la matshego a tebelopele ya 2016 a tshaba e e kutlwelobotlhoko, e rata tshiamo e bile e tlhokomela batho botlhe. Modulasetilo wa komiti ya motse wa Maralaleng, Rre Bantlhotse Jampe a re ba sale ba supile mowa wa kutlwelobotlhoko go simolola ka ngwaga wa 2007/ 2008 ,ka ba ne ba lekola batho mo motseng ba akaretsa batlhoki, dikhutsana le ba-na-le bogole. O kaile fa ba ne ba kgona go agela batlhoki ba le babedi matlo a setswana ka go bona ba na le letlhoko la bonno. A re ba ne bona go le maleba go agela batlhoki bao matlo ka bonno e le konokono e bile bo fa motho seriti. O kaile fa maikelelo a bone a ne a atlega ka tshwaragano le kemo nokeng ya ba boipelego, kgosi le boithaopi jwa banni ba motse oo. Modulasetilo o supile fa e ne ya re ngwaga ono ba thulanya ditlhogo gape mme ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo go abela bomme ba ba tshelang ka mogare sengwe se se ka thusang go tokofatsa matshelo a bone. O kaile fa ba ne ba ntsha madi go tswa mo dipateng tsa bone e le maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse, ba ofisi ya makgotla a setswana, le ba ofisi ya botsogo mme ba kokoanya P1600.00 a ba a dirisitseng go abela ba Maralaleng Support Group dithoto tse ba tla di dirisang mo semausung sa bone. Rre Jampe o kaile fa a le motlotlo ka ba kgonne go fitlhelela maikaelelo a bone mo go otlololeng letsogo go thusa ba ba tlhokang. A re ba leboga ba mokgatlho oo go bo ba buile phatlalatsa ka seemo sa bone a ba a ba kopa go tswelela ba jwala dithuto tseo mo go ba bangwe. O lebogile botlhe ba ba nnileng le seabe mo go atlegeng ga kabo dimpho eo, a tlatsa ka go leboga morafe wa Maralaleng ka go mo tshepa mme seo se supagala ka go mmuseletsa makgetho a le mmalwa mo komiting. Sebui sa tlotla sa letsatsi leo, Rre Ronald Baitsiwe yo eleng molemi morui kwa motseng wa Kisa, o kgadile thata borre go bo ba sa iponatse mo mokgatlhong oo, a kaya fa gantsi ba nna ba salela kwa moarago mo mekgatlhong e le mentsi mo lefatsheng leno. O galaleditse mokgatlho oo, a kaya fa ba itseetse dikgato tse di maleba tsa go itse seemo le go tsena mo mananeong a puso a botsogo a a ka kgonang go lelefatsa botshelo jwa bone. Rre Baitsiwe o lebogetse puso go tseela botsogo jwa setshaba kwa godimo ka go tsibogela go tlisa didirisiwa, bodiredi, mananeo le ditirelo tsa maemo a a kwa godimo mo dipateleng, dikokelo le dikokelwana mo lefatsheng leno. O kaile fa seemo sa botsogo se tokafetse fela thata fa go tshwantshanngwa le mo nakong tse di fetileng. O rotloeditse Maralaleng Support Group go ema ka dinao go ngokela ba bangwe mo mokgatlhong le gone go dira ka natla, lorato, bopelotelele boineelo le tirisano mmogo, ka seo se ka thusa thata mo go tlhomamiseng gore mokgatlho o a gola. O gwetlhile metse e mengwe go tsaya malebela mo go bone. Fa a amogela dimpho tseo motshwara madi wa mokgatlho oo, Mme Ogoamang Soso Dipheko o galaleditse ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ka dimpho tseo, a kaya fa e se la ntlha ba supa mowa oo mme seo e le sesupo sa gore ba kgathala ka ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Mme Dipheko o tsweletse a tlhalosa fa ba ne ba simolola mokgatlho oo mo legoeleleng mme morago ba tswa ka mogopolo wa go kokoanya madi a ka one ba neng ba kgona go simolodisa semausu se ba thusitsweng ka ntlo ya kamore tse pedi ke ba VDC, ele tsela nngwe ya go godisa mokgatlho wa bone. A re mo nakong eno palo ya bone mo mokgatlhong e godile go tswa kwa go boferabobedi go ya kwa go masome a mabedi le boraro. O supile gape fa ene le bangwe ka ene ba setse ba ikamogetse ka go nna mo pontsheng ka seemo sa bone jalo a gwetlha ba ba sa ntseng ba iphitlhile go ema ka dinao go itseela dikgato tse di maleba ka botsogo e le konokono mo botshelong. Bokhutlo health 6 Makhanselara a kgala IEC Makhanselara a Borwa Botlhaba a re lekgotla le le tsamaisang ditlhopho la Independent Electoral Commission (IEC) le reteletswe ke go dira go lekane gore Batswana ba ikwadisetse ditlhopho. Ba supile se fa ba a kgwa modulasetilo wa khansele eo kgaba, morago ga go ba baya pele pego ya seemo sa kgaolo ka Mosupologo, Motsheganong a tlhola malatsi a le masome mabedi le borataro. Mongwe wa makhanselara, Mme Tidimalo Motlhose a re, go a swabisa gore e re lefatshe leno le ya kwa tlhophong tsa bo lesome le motso, Batswana ba bo ba santse ba le maoto a tshupa go ikwadisa. A re mo nakong eno, lekgotla la IEC le ka bo le setse le kgona go dirisa maranyane gore batho ba ikwadise e seng gore ba nne mo meleng e meleele. O kaile fa go sa diriseng maranyane go ikwadisa e le sesupo sa gore lekgotla le saletse kwa morago fela thata. Mme Motlhose a re, “IEC e tshwanetse go bona gore e rotloetsa jang batho go tlhopha.” Fa Rre Dichabe Seitshiro wa kgaolo ya Nkaikela kwa Tlokweng ene a re go mo maruding a IEC le puso go bona gore go sekwasekwa gore ke eng batho ba sa ikwadisa jaaka gone go solofetswe. A re go tlhoka go tsaya tlhopho ka tlhwaafalo, ke sesupo sa gore Batswana ga ba a itumela mme dipatlisiso ke tsone di ka senolang modi wa kgang. Rre Seitshiro a re, “Go tshwanetse ga batlisisiwa gore ke eng fa Batswana ba tenegile jaana.” Rre Kgabo Mabotseng wa Ramotswa Borwa Botlhaba le ene o ne a lela ka dipalo tse di kwa tlase tsa ba ba ikwadisitseng. O gateletse gore go tshware dithapelo go kopa gore ditlhopho di tsamae ka thelelo gore lefatshe leno le tswelele ele sekao sa Aferika. E ne e rile a baya khansele pego pele, modulasetilo, Rre Thekiso Sorinyane a kaya fa dipaakanyetso tsa ditlhopho tsa botlhe tsa ngwaga ono go kaiwa di tsamaya sentle. O tsweletse a re dipaakanyetso tse, di tla dira gore go nne le ditlhopho tse di gololesegileng e bile di sena tsietso jalo di nonotshe puso ya batho ka batho ya lefatshe leno. Le fa go ntse jalo, a re e rile ka ikwadisetso ditlhopho ya tlaleletso e e sa tswang go wela, ga ikwadisa batho ba le 4 774 kwa Ramotswa fa kwa Tlokweng ba ne ba le 3792. Se, se ne sa tsisa dipalo tsotlhe tsa Ramotswa kwa go 20 729 fa tsa Tlokweng di eme kwa go 14007. O kopile makhanselara go rotloetsa ba ba ikwadisitseng go tlhopha. Rre Sorinyane o tsweletse a eleletsa ba ba emetseng ditlhopho katlego mo maitekong a bone a go emela setshaba. BOKHUTLO politics 7 Mmabontle o itlama go bereka le banana ba Tobane Kgosi wa Tobane, Kgosi Nametsegang Motlhasedi, a re go a supega gore motse wa gagwe o tshwere talente. Kgosi Motlhasedi o buile se morago ga go kopana le Mme Maureen Mothuba, yo o neng ya re bosheng a gapa korone ya mmabontle wa bomme ba ba nyetsweng. Mme Mothuba o ne a etetse kwa Tobane go ya go dumedisa bogosi le morafe. Kgosi Motlhasedi o ne a supa fa mo ngwageng tse pedi tse di fetileng go ne ga nna le ngwana wa Tobane yo o neng a gapa maemo a ntlha gape e ntse e le mo kgaisanong eo. A re ga go gakgamatse go bona Mme Mothuba le ene a dirile bontle, a re se se supa boineelo le bokgoni jwa bana ba Tobane. Le fa gontse jalo, o ne a supa matshwenyego a go tlhoka go tsena diphuthego ga banana, a re ke nako ya gore ba ka bo ba ne ba ya go amogela molekane wa bone gore ba kgone go amogana maele le ene. Fa a rola maitlamo a gagwe, Mme Mothuba yo o dingwaga tse di masome mararo le bosupa, o ne a tlhalosa fa keletso ya gagwe e le go bereka le bomme ba ba nyetsweng le banana lefatshe ka bophara. A re malwapa a banana ka bontsi a tshabelelwa ke go thubega ka mabaka a go tsaya ditshwetso tse di seng maleba. A re o tlaa dira ka bojotlhe e le Mma Botswana go bereka le ba ba maleba go fokotsa go phatlalala ga malwapa. Mme Mothuba o ne a supa fa bomme ba banana ba gateletswe ke lehuma ka bontsi jwa bone ba tshola bana ba ba senang batlhokomedi. Le fa go ntse jalo, o ne a kopa banni ba Tobane go mmaya mo dithapelong ka e tlaa re ka kgwedi ya Sedimonthole a bo a tsene dikgaisano tsa go nna jalo kwa lefatsheng la China. Mokhanselara wa Tshokwe-Robelela, Rre Dintelo Mosweunyane o ne a rotloetsa banana go dirisa sebaka se Mme Mothuba a se ba neetseng go fetola matshelo a bone. Rre Mosweunyane o ne a kgothatsa dingwetsi tsa motse wa Tobane go tlhama mokgatlho o ba tlaa berekang mmogo gore ba nne lentswe le le lengwefela go aga bana ba ba tswang kwa tlase go nna bomme ba ba nang le boikarabelo. O lebogile ba ba neng ba tswa ka mogopolo wa go dira kgaisano ya go nna jaana a re lelwapa ke boremelelo jwa kgodiso ya ngwana. BOKHUTLO education 4 Balemi ba Gungwe ba tla oba letsogo Mono ngwaga bontsi jwa balemi ba tla a dika ba orile molelo wa mariga, morago ga gore mafelo a lefatshe leno ka bontsi a amogele dipula tse di namagadi. Mo potsolotsong bosheng, molemi kwa Gungwe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Mpho Mabalane, o tlhalositse fa mono ngwaga thobo e tla a nna e e nametsang. Mme Mabalane, yo ka nako ya potsolotso a neng a tshwere ka natla a roba nngwe ya ditema tsa gagwe tsa ntlha, o boletse gore le mororo dijwalo dingwe di akaretsa magapu di ne tsa fekeediwa ke bokete jwa dipula mme tsa swa, sika loo mabele lone, e ne ya nna gone jaaka le ne le segetswe fa lefureng. A re, o dumela ntle le pelaelo gore thobo ya gagwe mono ngwaga e tla a gaisa tse a kileng a di bona mo dingwageng tsotlhe fa e sale a simolola go lema. Go sale foo, molemi yoo, o ne a lebogela balemisi kemo-nokeng le thotloetso ya bone mo Batswaneng fa go tla mo mererong ya temo. A re, seabe sa balemisi ke se se bonwang ke mang le mang, a gatelela botlhokwa jwa gore Batswana ba tseye ka tlhwaafalo e kgolo dikgakololo tse ba di fiwang ke balemisi. O ne gape a lebogela puso maiteko a yone a go thusa balemi go tokafatsa temo a akaretsa go ba fa dipeo le digogi. Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa tlhaelo ya digogi le didirisiwa tse dingwe tsa temo di akaretsa diterekere le dipolantere e le kgwetlho e kgolo e e kgoreletsang balemi bangwe go tokafatsa ka fa ba ntseng ba lema ka teng. A re, ene o ne a palelwa ke go lema ka ditselana ka ntlha ya tlhaelo ya dipolantere, a supa fa e le keletso ya gagwe gore mo pakeng ya temo e e tlang a leme ka ditselana ka a dumela fa maduo a seo e ka nna a mantle thata. Mo go reng, a ga a na maikaelelo a go lemela kgwebo, Mme Mabalane, yo o dirang e le moapei kwa sekoleng se sebotlana sa motse wa gaabo, o tlhalositse fa seo se ka mo ketefalela ka go ka se nne bonolo gore a bone nako ya go dira tsa kwa a berekang teng le ya go lebagana le dikgwetlho tsa kgwebo. O supile gape fa a sa itse fa a ka rekisetsa lekalana la puso la Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) thobo ya gagwe. A re, e a tle e re a bone thobo e e botoka, a rekise fela mo gae fa go ka tshokane go nale mongwe yo o tlhokang go reka sengwe. Go rekisa mo gae, Mme Mabalane o kaile fa go sena dipoelo dipe tse di kalo ka jaana a patelesega go rekisa ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase ka itsholelo ya banni le yone e se ya sepe. Mme Mabalane o ne a gwetlha Batswana ba ba santseng ba le maoto a tshupa go tsena mo temong go ikitaya ka thupa go thusa mo go ntshetseng lefatshe leno dijo. A re, Batswana ba tshwanetse ba lemoga gape fa go lema go fokoletsa malwapa ditshenyegelo tsa go reka dijo, a tlatsa ka gore dijo tsa setso le tsone di setse di lemogilwe fa di siametse botsogo jwa batho. O tsweletse a re, fa batho ba ne ba ka lema, ba bo ba oketsa go ja dijo tsa tlholego tsa Setswana, malwetse a a borai a tshwana le jwa madi a matona a ne a ka seke a ba tshabelele go le kalo. Molemi wa motse wa Moroka Rre Moses Majeremane, le ene o supile fa a solofetse thobo e e botoka mono ngwaga. Le ene fela jaaka Mme Mabalane, o iteetse puso legofi go bo e tsweletse e thusa balemi ka ditsela tse di farologaneng. Rre Majeremane a re, dithuso di tshwana le go fiwa menontshane, di thusitse thata mo go tokafatseng thobo ka jaana di file balemi ba ba kobo-dikhutshwane sebaka sa go kgona go tlhabolola boleng jwa mebu ya masimo a bone. Mo go lemeleng kgwebo, Rre Majeremane o boletse fa go se bonolo ka ntlha ya fa masimo a bone a le mabotlana thata, a tlhalosa fa ene tshimo ya gagwe e le selekanyo sa diakere di le pedi le sephatlo fela. Le ene, o ne a supa fa a dikile a lemile a gasa ka jaana dipolantere di ne di tlhaela, a bolela fa gone a tlhaloganya ka botlalo botlhokwa jwa go lema ka ditselana. Mo ntlheng e nngwe Rre Majeremane o supile matshwenyego ka se a rileng ke botshwakga jwa banana. A re, banana ga ba batle go tsena mo temong ka ba sa rate go tshwara ka diatla ba itirela. Le fa go ntse jalo, o kaile fa go le botlhokwa gore batsadi ba seka ba felela bana ba bone pelo mme ba tswelele ba ba sokasoke ka tsholofelo ya gore kgabagare ba tla a kgatlhegela go tsena mo mohameng wa temo. BOKHUTLO society 9 Ba Morwa ba tshegeditse tebelopele E re ka lefatshe leno le saletswe ke dingwaga di le pedi gore tebelopele ya setshaba ya 2016 e tle bokhutlong, Batswana mo metseng ka go farologana ba tsweletse ka go diragatsa le go tshela dipilara tsa tebelopele e. Mo maitekong a go rotloetsa morafe go tsaya karolo mo go rurifatseng gore e re ka 2016 lefatshe leno le bo le fitlheletse matshego otlhe ka bosupa, metse mengwe ya kgaolo ya Kgatleng e akaretsa Morwa, Pilane, Bokaa, Rasesa le Malotwane e tsene mo kgaisanong go bona gore ke bafe ba ba tshelang e bile ba diragatsa lengwe la matshego a. Mo potsolotsong le BOPA, kgosi ya motse wa Morwa, Rre Masisi Ntshole o boletse fa ba ikaeletse go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go tshegetsa matshego a Tebelopele ya 2016 mme ba dira jaana ba tshwaragane le metse e e mabapi. A re kgaisano eo, e ba saleng ba e simolotse dingwaga tse tlhano tse di fetileng, e ba thusa go lemoga le go ikala gore ba tsamaya fa kae go ya kwa 2016. Kgosi Ntshole o boletse gore mo gaMorwa ba eme ka dinao go nna le seabe mo go tsheleng matshego a mme sengwe sa dilo tse ba di dirileng ke go simolola tshingwana ya merogo morago ga go nna moriti le komiti ya motse ya ditlhabololo. A re maikaelelo a yone ke go thusa bagodi le ba-na-le bogole go itshetsa mme morafe ka kakaretso o na le seabe mo tirong eo. O supile fa ba kopane le ba kereke ya Dutch Reformed teng mo motseng wa Morwa go ba thusa mme ba ba tswa matshidiso ka go ba abela P40 000 yo ba tla mo dirisang go simolodisa tiro ya bone. O lebogile kereke eo go nna le seabe mo go tokafatseng matshelo a batho, a supa gore ba kgonne go teratelela tshingwana eo e bile go setse go agilwe ntlo ya bobeelo mo lefelong leo. Kgosi Ntshole a re tiro e ke ya morafe mme ba tshwanetse go e tshwaraganela botlhe gore e atlege. A re sebe sa phiri ke gore ga se botlhe ba ba emeng ka dinao go tsaya karolo gonne ba simolotse ba le 35 mme palo e wetse tlase kwa go 17, seo se supa fa morafe o goga dinao. O supile gore mo kgaisanong e, e le ba motse wa Morwa, ga ba ise ba tseye maemo a a kwa tlase ga boraro mme go supa maikaelelo a bone a go tshela le go tshegetsa matshego a Tebelopele ya 2016. BOKHUTLO politics 7 Balemi ba aba thobo Balemi ba masimo a Bobonong Bokone ba abetse ba-na-le bogole le batlhoki ba le lesome le bobedi dikgetsi di le masome a mane le bobedi gore le bone ba kgone go akola temo le fa ba sa nna lesego la go lema. Molaodi wa kgaolo ya Bobirwa, Rre Gotewang Senwedi o tlhalositse fa dijo tse ba di abileng di le botlhokwa ka di thusa Batswana ba bangwe ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. O ba rotloeditse gore ba kopane le balemi ba dikgaolo tse dingwe mo Bobonong gammogo le bagwebi gore ba pataganela tiro e ya go aba. A re o mo tlotlo fela thata ka se ba se dirileng gonne go ise go diragala sepe sa mofuta o kwa dikgaolong tse a tswang kwa go tsone. Molemisi wa kgaolo eo, Mme Galesite Thalefang o boletse gore ka ba bone temo e ntsi monongwaga, ba bone go le maleba go abela ba-na-le bogole le ba ba tlhokileng lesego la go bona thobo dikgetsi tsa mmidi, phaletshe le mabele di le lesome le bone nngwe le nngwe ya tsone. Modulasetilo wa komiti ya balemi ba Bobonong Bokone, Rre Balotlhanyi Dintwa a re ba kgonne tiro eo ka go dira mmogo ele balemi ba masimo a Masung, Ntsakateng, Sekgoptswe, Mmaditshwene, Ntshimanyane, Lepokole, Mothwane, Leribe, Bolopela, Keisane, Nchimanyane, le Matsaganeng. Mokhanselara wa Borotsi, Rre Lemphositse Sepelong o tlhalositse gore se ba se dirileng se supa lorato le kutlwelo botlhoko jalo a ba rotloetsa go tshwaragana go tswelela ba dira mmogo le go dira meriti ka lenaneo la Ipelegeng. BOKHUTLO society 9 Banni ba abetse sekolo sa Makaba Banni ba kgotla ya Tsopye kwa Kanye ba abetse sekolo se sebotlana sa Makaba dipara tsa ditlhako di le masome a mabedi le dikausu di le masome a mabedi. Madirelo a Debonairs Pizza one a ne a abela baithuti diatlana di le masome a mabedi. Kgosi wa Tsopye, Rre Obusitswe Kgame, o ne a tlhalosa fa maikaelelo a banni ba kgotla eo, e e mo kgaolwaneng ya bokhanselra ya Nyorosi Botlhaba, e le go tshwaragana gore kgaolwana eo e tswelele pele. Ba ne ba tsaya tshwetso ya go ema nokeng sekolo seo ka jaana ba ne ba sa itumedisiwe ke maduo a sone a lokwalo lwa bosupa a ngwaga wa 2017. Rre Kgame a re batsadi ba ne ba akanya gore sengwe se katswa se tlhaela, mme ba kopana le mogokgo go utlwa gore matsapa di a tsaya kae. Morago ga bokopano joo, batsadi ba ne ba lemoga fa thuto e tlhoka gore fa go le mariga moithuti a seka a babalelwa ke serame, mme batswa ka moono wa go thusa baithuti ba sekolo seo ka ditlhako le dikausu mo pakeng ya mariga. A re e rile mo ngwageng o o fitileng wa 2018, ba rekela baithuti ba sekolo seo ba le lesome le bobedi ditlhako le dikausu ka paka ya mariga mme ya re maduo a lokwalo lwa bosupa a tswa sekolo sa dira botoka thata fa go tshwantshwanngwa le ngwaga wa 2017. Kgosi Kgame a re ka ngwaga wa 2017 sekolo seo sene se na le letshwao la A le le lengwe mme sa gapa 66 mo lekgolong. Ka 2018 sa tokafatsa ya nna 82.6 mo lekgolong le bo A ba supa mme seo sa ba tsenya moko go tswelela ka moono wa bone wa go rekela baithuti bangwe dilwana tsa mariga. Kgosi Kgame o tlhalositse fa badira jalo ka boithaopo e le batsadi, komiti ya ditlhabololo tsa motse, baoki ba ba tlogetseng tiro ka bogodi le bagwebi bangwe. Mo go tse dingwe kgosi o ne a kopa banni ba kgaolwana eo go ema ka dinao go lwantsha borukutlhi mo kgaolwaneng eo a supa fa bo tshwenya thata, a re batsadi ba thuse ba tsenye kgalemo mo baneng ba bone. Mpho eo e ne ya abiwa ke mookamela mapodisi wa kgaolo ya Borwa No:14 District Senior Superintendent Reuben Mphoeng mme ya amogelwa mo boemong jwa sekolo seo ke mogokgo wa sone Rre Dickson Ramagang. Senior Suprintendent Mphoeng o ne a lebogela kgosi go rotloetsa morafe go tsenya letsogo mo ditirong tsa setshaba le mo go lwantsheng borukutlhi. A re go lwantsha borukutlhi ga se go isa motho kgolegelong fela, a re gape ke go aga motho gore a itharabologelwe mo go direng borukutlhi mme a fetoge. O lebogile banni ba kgotla eo gammogo le ba cluster No:6 go bo ba bone gore sekolo ke sa bone, le baithuti ke bana ba bone mme ba se ema nokeng. A re se ba se dirang ke go thusa lefatshe gore le gatelepele ka jaana ba rotloetsa bana, ka ele bone bokamoso jwa lefatshe leno. Rre Ramagang ene o boletse fa go lesego letsogo le le abang gona le le le amogelang, a tlhalosa fa mpho eo e tlaa fetela kwa baneng ba ba maleba. Mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile, o ne a kopa batsadi go thusa ba cluster No:6 go ba tsaa tema fa ba tlhaetseng teng. Rre Kesupile o kopile banni ba kgotla eo gore fa ba thusa sekolo ba seka ba tsaya ditiro di le dintsi mme ba itebaganye le tiro e le nngwefela gore ba tla ba kgone. education 4 A e nne modiga - Kgathi Motshwaralela tona mo ofising ya ga tautona le bodirelapuso, Rre Shaw Kgathi, a re o tswa kgakala a ntse a buelela lefelo le le lemang merogo la Talana Farms kwa kgaolong ya Bobonong gore le seke la phutlhama. Fa a buisa babereki ba Talana beke e e fitileng, o boletse fa polase eo, e e eteletsweng pele ke Rre Jan Willemse, e ntse e na le mathata a madi mme e bile e ntse e palelwa ke go duela babereki. Rre Kgathi a re merwalela le serame sa segagane ke dingwe sa dilo tse di dirileng gore polase ya Talana e palelelwe ke go bona dipoelo. Polase ya Talana e tshwaraganetse tiro ya go lema le Botswana Development Corporation, e a tlhalositseng fa e tsenya madi a yone e lebile dipoelo. Rre Kgathi a re mo lebakeng le polase eo e ntseng e nale mathata a go duela babereki, o ne a ntse a tshwere dipuisano le tona wa lephata la papadi le madirelo, Mme Dorcas Makgato- Malesu gore badiri ba kgone go duelwa fa polase ya Talana e sa ntse itshekatsheka. A re mo dipuisanong tse a ntseng a di tshwara le ba ba lebaneng, babereki ba ile ba kgona go duelwa, le fa go sa ntse go setse melala, a tlatsa ka gore o kopile banni go nna pelotelele, ka gore le fa Talana e le mo mathateng a go duela badiri ba, gone ga e aka ya tsaya tshwetso ya go kgaola badiri mo tirong, le fa e ne e lebagane le seemo sa go tswalwa. Rre Kgathi o lebogetse Rre Willemse go nna pelotelele fa polase eo e ne e wetswe ke seru, mme a kopa badiri le bone go nna pelotelele le go reetsa se ba se bolelelwang ka dikgwetlho tsa polase eo. A re dikgwetlho di tshwana le merwalela e e neng ya ama polase eo ke tse di itseweng ke badiri mme ba sa tshwanela go ka nna bogale. O kopile badiri gore ba seka ba tsaya matshwenyego a bone ba a dira sepolotiki, ka seo se ka ba tlhakatlhakanyetsa kgang ya bone, a boa a ba lemotsha fa seo gape e se thatabololo ya mathata. A re ba BDC, ba e leng bone beng ba lefelo la Talana, ba ntse ba tshwaraganetse kgang ya kwelotlase ya polase eo e bile ba ikaeletse go thusa. Rre Willemse a re mangwe a mathata a a lebaganeng Talana ke tlhaelo ya badiri mme ka jalo o ne a tshwanelwa ke go dirisa madi a mantsi go direla badiri ba Zimbabwe diteseletso tsa pereko. A re go supega fa bangwe beng gae ba sa batle go bereka mo makaleng a temo, ka bangwe ba ela ruri fa ba sena go amogela, selo sa a supileng fa se ama kgwebo eo fela thata. Rre Willemse o supile fa Talana e duela kwa godimo go feta selekanyo se se beilweng e bile a tsaya Batswana le badiri ba Zimbabwe ka go lekana. Badiri bangwe ba supile fa ba itse fa polase eo e lebagane le dikgwetlho tse dintsi e bile ba rerisiwa gangwe le gape ka seemo seo. Le fa go ntse jalo, bangwe badiri ba supile Batswana bangwe ka mongwana ba re ba gakatsa seemo ka go goga dinao mo tirong. Fa a tswa la gagwe, Mme Diketso Rantshabeng go tswa kwa komponeng ya BDC a re Talana e ntse e sa di re dipoelo mme go le thata gore ba tshele madi mo go yone. A re BDC le yone e ntse e lebaganwe ke tlhaelo ya madi, a supa fa ba ikaelela go tokafatsa bonno jwa badiri kwa Talana, a tlatsa ka gore ba solofela fa tiro eo e tla simolola monongwaga, e le mangwe maikaelelo a go tsosa polase eo. Motshwaralela modulasetilo wa khansele ya Bobirwa, Rre Nathaniel Moribame, o ne a supa matshwenyego ka fa badiri bangwe ba neng ba sa itshware sentle ka teng mo phuthegong eo. A re fa motho a lwela ditshwanelo tsa gagwe o tshwanetse go itshwara sentle, le go tlotla maikutlo a ba bangwe. Rre Moribame o supile fa Rre Kgathi a diretse polase eo thata ka go e buelela e bile a setse a kile a laletsa mothusa tautona, Rre Ponatshego Kedikilwe; tona wa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu gammogo le badiri ba lephata leo go akantshana ka gore mathata a Talana a ka rarabololwa jang. Rre Moribame o kopile badiri gore ba seka ba tshosetsa baeteledipele, a supa fa go tshwanetse ga nna le mowa wa tlotlano fa go buisanwa. Rre Moribame a re mathata a Talana a tlhalogangwa ke badiri e bile ba seke ba solofela gore go tsenya sepolotiki go ka ba thusa, a supa fa mo bogaufing mathata a Talana e tla nna dilo tsa maloba. Bokhutlo politics 7 Rre Pholo o itshetsa ka petlo Rre Raphael Pholo, yo e leng monni wa toropo ya Francistown o itshetsa ka talente ya gagwe ya go betla ditshwantsho. Fa a tlhalosa mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA, o boletse fa a betla ka legong, marapo le lentswe mme o betla ditshwantsho tsa diphologolo ka go farologana jaaka ditlou le tse dingwe.Gape o dira dithobane le ditilo tsa dikgole. Tiro e ya go tshwantsha ka go betla o tswa le yone kwa sekoleng ka a ne a rata go tshwantsha mme a re o simolotse tiro e ya gagwe a sena go fetsa lekwalo la bosupa ka ngwaga wa 1965 ko Tatitown. Gape o tlhalositse fa a ne a sokola go bona madi a go simolola kgwebo ya gagwe mme o ne a ipha leano la gore a tsamaye a batla babetli a ithuta le go bereka mo go bone. E ne ya re ka ngwaga wa 1971, a simolola go betla mme ka ngwaga wa 2010, a bona dithuso tsa madi go tswa mo lephateng la banana, metshameko le ngwao ka madi a a kana ka P60 000. Ntswa a kgonne go bona mechine, namane e tona jaanong ke gore ga gona fa e ka nnang teng e phuthologile ka lefelo le le le lennye mme mechine e tsere manno otlhe mo ntlwaneng e a betlelang mo go yone mme a tshwanelwa ke go direla ko ntle. Keletso ya ga Rre Pholo ke go bona lefelo le letona ko a ka phuthulogang teng a dira tiro ya gagwe mme se se mo tshwenya mogopolo ka a akanya go ya kwa gae ka a eletsa go bula sekole go ruta ka tsa ngwao. O boletse fa thekiso e le bonya ka a sena lefelo le a ka rekisetsang mo go lone, mme se se itumedisang e bile se tlaa tlhofofatsa kgwebo ya gagwe ke go bo khansele ya Francistown e ba tshephisitse gore e baakanya lefelo le bagwebi ba tlaa rekisetsang dithoto tsa bone mo go lone. E re ntswa a kopana le mathata mo kgwebong ya gagwe, ga a ke a tlelwa ke boitlhobogo ka a tshwantsha kgwebo ya gagwe le morui wa dikgomo ka fa leuba le tla, morui a seke a itlhoboge mme a re le fa ditshwantsho tsa gagwe di ka tsaya sebaka, di sa rekiwe kwa phelelong di tlaa rekwa. Kgwebo e e thusitse Rre Pholo fela thata ka a boletse fa e le yone e e mo nyadisitseng a bo a tlhokomela bana ba gagwe ka a ba tsentse dikole. Fa a wetsa, o ne a re o rotloetsa banana go tla kwa go ene mo Block 2 a ba rute. arts_culture_entertainment_and_media 0 Maina a ditsela a tsosolosa ditso Magosi a Mokokwana le Maunatlala ba boletse fa ba ikaelela go bitsa ditsela tse di mo metseng ya bone ka maina a mafelo a a tshwereng ditso le ditumelo tsa merafe eo. Ba boletse mo potsolotsong fa dingwe ditsela di tlaa bidiwa ka maina a bagaka ba ba diretseng metse ya bone ka bokgabane e le tsela ya go tsosolosa ditso le go tlotlomatsa ba bo ba ipelefatsa ka tse ba di ba diretseng. Se se tsile morago ga gore ba lephata la ditsela mo khanseleng ba laole gore ditsela tsotlhe mo metseng di rewe maina. Kgosi Goitsekgosi Balebetse wa Mokokwana o boletse fa morafe wa gagwe o setse o dumalane ka maina a ditsela tse di mo motseng wa bone, go setse fela gore ba khansele ba tle go a rurifatsa. O tlhalositse fa ba ne ba remeletse mo ditsong tse di fitlhelwang mo motseng tse a reng bontsi jwa basha ga ba di itse mme a supa fa go reelela ditsela ka tsone go tlaa tsosolosa go bo go tshegetse serodumo sa Bakokwana. O ne a nankola mangwe maina a ba dumalaneng ka one a akaretsa maina a a mo ditseleng tse di mo mantsweng a a neng a teilwe ke mabutswapele mme ba a foloseditse mo motseng. Kgosi Balebetswe o ne a kaya leina le tshwana Lekhutile Tshimoloi ‘Moloto’, yo a tlhalositseng fa e ne e le mongwe wa bagologolo ba ba sa tlholeng ba le mo botshelong mme e kile ya re motse wa bone o batla go phatlalala go twe ba Mokokwana ba isiwa kwa Mabalane a bo a kgona go o aga gape. A re e nngwe tsela e reeletswe ka noka ya Manowe e e tumileng thata mo motseng, e bile morafe o ikaegile ka yone ka e se ke e kgala. Kgosi o ne a supa fa motse wa gagwe o dikaganyeditswe ke dithaba mme fa di kgaoganang teng tsela eo ba e bitsa Phadana, ke ka moo a reng ba ne ba bona go le matshwanedi go bitsa nngwe tsela mo motseng ka leina leo. Kgosi Phoophoo Mapena wa Maunatlala le ene o supile fa morafe o dumalane ka maina a ditsela tse di mo motseng mme a tlhalosa fa ba ne ba itebagantse le bagaka ba ba kileng ba feta mo motseng wa bone. O ne a nankola Rre Lebudi yo o neng a tswa Tumasera mme a kile a tla go ruta mo sekoleng se sebotlana sa Maunatlala mme ba gopola tiro e ntle e a e dirileng ka nako eo. Kgosi Mapena o boletse fa tsela e nngwe e tlaa bidiwa ka Rre Morakaladi yo e neng e le morutabana, mme a nnile le seabe mo go reng sekole se sebotlana sa Maunatlala se nne le lekwalo la borataro ka se ne se felela ka lekwalo ba bone. BOKHUTLO politics 7 Ba rotloediwa go dirisa lekalana la CEDA le LEA Mothusa tona wa peeletso, papadi le madirelo, Rre Biggie Butale a re go botlhokwa gore fa motho a batla go simolola kgwebo a inaakanye le lekalana la Local Enterprise Authority (LEA), go mo thusa le go mo fa maele ka tsa kgwebo. Rre Butale o buile jaana fa a buisa phuthego ya kgotla kwa kgaolwaneng ya Mmatshitswane kwa Kanye bosheng, a tlhalosa fa go na le dikhamphani tse di ikemetseng ka nosi kwa Kanye mme di tshwaragane le puso. O boletse fa makalana a LEA le CEDA a le botlhokwa thata mme a kopa morafe go ikaega ka one tebang le tsa kgwebo, bogolo jang la LEA. A re lekalana la LEA le rutuntsha Batswana ka tsa kgwebo le go ba fa maele gore ba ka tsamaisa jang dikgwebo tsa bone, a tlhalosa fa ba thusa ntle le dituelo. O supile fa LEA e tsaya megopolo ya ba ba batlang go dira dikgwebo mme ba e tlhotlhe go ba thusa gore kgwebo e ka tsamaisiwa jang, a re seo le sone ba se dira fela ba sa lope dituelo dipe. Mothusa tona a re lekalana la LEA gape le thusa dikhamphani tsa Batswana gore di ka bona mmaraka jang le gore di ka tsweledisa dikgwebo tsa tsone jang. O lemositse botlhokwa jwa LEA, a gatelela ka gore fa motho a eletsa go tsena mo kgwebong mme a sa feta ka LEA o a bo a sa itirela sentle mme a kopa banana ba ba nang le keletso go simolola kgwebo go inaakanya le LEA. Fa a bua ka lephata la gagwe, Rre Butale o tlhalositse fa e le lephata le le filweng boikarabelo jwa go rotloetsa go tlhongwa ga madirelo gammogo le go rotloetsa kabakanyo ya itsholelo gore lefatshe le seka la ikaega fela ka diteemane le ditswa mmung tse dingwe, a tlhalosa fa moepo wa kopore kwa Selebi Phikwe o ne wa tswalwa. A re ka jalo go botlhokwa gore lefatshe leno le kabakanye itsholelo le go bona gore madirelo a Botswana a rekisa dithoto kwa mafatsheng a sele, mme dipoelo tsa teng di thuse mo ditirong tse dingwe. Rre Butale a re gape go botlhokwa gore batho ba dire dikgwebo tse disha tse dingwe tsa tsone e leng go ipopa ditlhopha go simolodisa dikgwebo tsa dikoporasi tse di ka thusang go tokafatsa itsholelo. Mo dikakgelong tsa bone, banni ba ikuetse ka tlhaelo ya metsi mo motseng le tlala e e bakwang ke letlhoko la ditiro bogolo jang le le amang banana. Mongwe wa bagwebi ba ba fa gare o ngongoregile ka go sa neelwa ditiro ke makalana a puso, ka jaanong go ganelelwa thata mo bagwebing ba babotlana, a re madirelo a bone a a phutlhama. Bangwe banni ba nongoregile ka go sa bona thuso epe fa ba ikopela dithuso tsa mananeo a a lebaganeng banana le bomme le mororo ba fetile ka lekalana la LEA. Ba ikuetse mo go mothusa tona gore badirelapuso ba rotloediwe go reka dithoto tsa bagwebi ba mo gae le go ba neela dithendara. Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Mmatshitswane, Rre Watshipi Ranka o tlhalositse fa ba tsweletse ka tiro ya ditena mme kgwetlho e le koloi. A re lenaneo la Ipelegeng le tsweletse sentle mathata ke gore kgaolwana ya Mmatshitswane e tona mme ba fiwa palo e potlana go e hira. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Kgosi o gwetlha morafe go ipela Motshwarelela bogosi jwa Batawana, Mme Kealetile Moremi o gwetlhile Batswana go tsaya letstasi la boipuso ka tlhoafalo ka jaana e le nako ya go ipelela mpho e ba e filweng ke Modimo. A re ba tshwanetse ba itlotlomatsa ka letsatsi leo, ka jaana go ne go se motlhofo gore ba bone boipuso fa e ne e se ka dikgosi tsa bone tsa pele. A re ke ka moo ba tshwanetseng go ipela ka jaana ba tlogeletswe boswa. Kgosi Moremi o buile jalo jaaka Batawana ba ne ba phuthaganetse kwa kgotlengkgolo go keteka boipuso, a supa fa le yone pina ya setshaba e na le molaetsa wa motia o o tshwanetseng go tsewa tsia. A re go botlhokwa gore batho ba tlotle pina ya setshaba ba bo ba tshele mafoko a yone. A re ka nako ya boipuso, botlhe ba tshwanetse go leboga Modimo ka jaana lefatshe leno le tsweletse ka go tshegetsa matshego a puso ya batho ka batho, ditlhabololo, boipelego, popagano ya setshaba le botho. A re fela jaaka mafatshe a mangwe, lefatshe la Botswana le na le tse le di kgonneng, bogolo jang mo ditlhabololong. Kgosi Moremi a re Batswana ba tshwanetse go tlhaloganya gore puso ga e kake ya kgona dilo tsotlhe ka nako e le nngwe, ke ka moo e dirang ka go kgaoganya. A re dikgaolo dingwe jaaka ya Ngamiland di sa ntse di aperwe ke dikgwetlho, mme a supa fa go sa ntse go le gontsi mo go ka dirwang go di rarabolola. Morafe o ne a wa nna le sebaka sa go baya dithunya kwa mabitleng a mabutswapele a a diretseng lefatshe leno, e le sesupo sa go ba gopola le go lemoga tiro e ntle e ba e diretseng lefatshe leno. Mo boemong jwa lelwapa la bogosi, Kgosi Moremi o ne a akgola morafe go bo o bone go tshwanela go gopola le go leboga bagaka ba maloba. Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa a sa itumedisiwe ke go goga dinao ga morafe go tla mo ditirong tse di botlhokwa jaaka moletlo wa boipuso. A re dipalo ga di nametse, mme a ikuela mo morafeng go emisa mokgwa oo. Mopalamente wa pele wa Maun botlhaba, Rre Frank Ramsdern le ene o ne a supa fa a sa itumeletse karolo ya Batswana mo go ipelelelng boipuso. A re letsatsi la boipuso le ba neela sebaka sa go ithuta ka ditso tsa bone, a bolela fa Botswana a tseetse boipuso mo legoeleleng ka jaana ka ngwaga wa 1966, e ne e le sekaka, mme gompieno e le mantlentle fela. Rre Ramsden a re pele lefatshe leno le ne le opela pina ya Setshaba ya Afrika Borswa mme morago ga go kopa boipuso ba itlhamela ya bone e gompieno ba ikgantshang ka yone. Moruti Terrence Sechele o ne a segofatsa letsatsi leo ka go bala mo lekwalong la ga Isaiah 32:16-20. A re le rotloetsa kagiso le ledula mo setshabeng. A re lekwalo leo le kgatlhonong le tshenyetso setshaba, ka jaana le supa fa ope yo o senyetsang puso le ene a itshenyetsa, a tlatsa ka go re sepe se se dirwang sa tshenyo se tlaa dira gore kamoso go nne le tlhaelo. Molaeetsa wa letsatsi wa ga Tautona o ne wa balwa ke molaodi wa kgaolo, Rre Keolopile Leepego. society 9 Tikologo e e phepa konokono mo botsogong Mopalamente wa pele wa kgaolo ya Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele, o kgothaditse banni ba kgaolwana ya Boseja Flowertown kwa Mahalapye go kgatlhegela tikologong e e phepa ka nako tsotlhe. Fa a bula semmuso letsatsi la go phepafatsa kgaolo le le neng le rulagantswe ke maloko a Botswana Democratic Party (BDP), Rre Makgalemele o tlhalositse fa bophepa e le konokono mo botsogong. O kaile fa matlakala a na le boleng go gaisa jaaka bontsi bo akanya. A re le ntswa a tlatsa motse leswe, a ka phuthwa, mme a kgone go busediwa gape mo tirisong. Rre Makgalemele o kaile fa mo mafatsheng a a tlhabologileng, go gweba ka matlakala go na le seabe mo go godiseng itsholelo mme a rotloetsa gore e re ba ntse ba sela matlakala, ba bule megopolo, go akanya ka tse ba ka di dirang e le ditswa matlakaleng. Nthopheng wa bokhanselara wa kgaolwana ya Boseja, Rre Tumelo Koolekanye, o lebogile banni le maloko a BDP ba ba neng ba tshologetse tiro eo. A re moono wa tiro e, e ne e le go baakanyetsa batlhophi gore e re Ngwanatsele a le masome a mabedi le boraro, jaaka ba tlaabo ba ya go tlhopha mokhanselara, tikologo a bo e le phepa. Kgaolwana ya Boseja Flowertown e ne ya seka ya tlhopha mokhansalara, morago ga gore go lemogiwe fa phathi nngwe e seyo mo pamphitshaneng e e dirisiwang go tlhopha. politics 7 Banana ga ba dirise dikereke sentle Go tswa goo-Lowe, go itsege gore dikereke ke tsone di ka agang setshaba, mme le fa go ntse jalo, kwa Letlhakeng gone ke go sele ka go utlwala gore banana ba motse oo ba dirisa dikereke botlhaswa. Mothusa modulasetilo wa komiti ya baruti e bile e le modulasetilo wa komiti ya twantsho borukutlhi ya motse oo, Rre Keboatlhotswe Medupe, o tlhalositse fa banana ba kgaolo ya gagwe ba ntshitse kereke kwa ba ka dirang boitaolo teng, bogolo jang ka di tsena bosigo. Rre Medupe o kaile fa dikereke tse disha e le tsone di dirang gore banana ba tlhoke tsebe ka go aparwa marokgwe mo go feletsang go diga dikereke tse di ntseng di le teng seriti. O boletse fa banana ba tshabelelwa ke go ima ba ntse ba tsena dikereke ka ba di dirile seipato sa go dira boitaolo, mme a supa fa go sa sireletsega gore bana ba basetsana ba tsamae masigo ka ba ka felela ba beteletswe kana ba gobadiwa ke dilalome. O tsweletse ka go supa fa dikereke dingwe di lala di tsositse modumo mo motseng go sa itsisiwe komiti ya bone le fa e le jone bogogi jwa motse tota. O ne a supa fa tshwaragano ya batsadi le baruti e ka lwantsha mathata a, ka kgetse ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa mme e bile banana e le bone bagogi ba lefatshe leno ba ka moso. O bile a kgothatsa batsadi gore ba bone gore a dikereke tse ba di tsenang ke tsa boammaaruri le gore ga di ba ntshe mo tseleng. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Itlhatlhobeleng malwetse Go bolelwa fa borre ba tlhokafala ka bontsi ka ntlha ya go itshoka ka malwetse ba ipolelela gore ba tla a fola. Mafoko a, a boletswe ke modulasetilo wa khansele ya Borwa Botlhaba, Rre Tshekiso Sorinyane, fa a ne a bula letsatsi la botsogo le le neng le rulagantswe ke ba khansele potlana ya Ramotswa. Rre Sorinyane o kopile borre go itlhatlhobela malwetse ka go farologana, gore ba tle ba tseye kgato fa go na le bothata, a tlhalosa fa mmereki yo o sa tsogang sentle le tiro ya gagwe e ka se tsoge. O boletse fa borre bangwe ba tshaba go itlhatlhobela mogare wa HIV, mo ebile ba eletsang gore ba ka itlhatlhoba bosigo ba sa bonwe ke ope. E rile a ntsha la gagwe, mogolwane go tswa kwa bankeng ya First National, Rre Katlo Koma, a kgothatsa babereki ba khansele potlana ya Ramotswa go tsaya letsatsi la botsogo ka tlhoafalo, ka le aga botsalano. Rre Koma o kaile fa malatsi a gompieno a tsamaisana le gore motho o na le eng, ebile o kgona eng. A re fa motho a sena madi, segolo bogolo a hirisitse; le fa a a sena madi go duelela bana kwa sekolong, a ka se tsoge sentle, ka jalo go le botlhokwa gore motho a nne le botsogo jo bo siameng mo go tsa madi. Rre Koma o kopile gape gore batho ba botse ka dithulaganyo tsa madi, a supa fa kitso e le maatla. O boletse fa madi a laolwa ke motho, mme ka jalo a tshwanetse go bona gore o a dirisa sentle jang gore le ene a tshele sentle kana a bone botsogo jo bo itekanetseng; a tlatsa ka gore khumo e tona mo mothong ke botsogo jo bo itekanetseng. A re keletso ya motsadi mongwe le mongwe, e le go bona bana ba gagwe ba tshela botshelo jo bo botoka gona le jwa gagwe. Rre Koma o gakolotse batho gape go tila dikoloto le gone go netefatsa gore fa di le teng ba di duela nako e sale teng, go itsa dipharagobe. BOKHUTLO health 6 Ba tshegeditse katlego ya 2016 Puso ya lefatshe leno e ipeetse seelo gore ka ngwaga wa 2016, Batswana lefatshe ka bophara e bo e le tshaba e e rutegileng gape e na le kitso e e nitameng e le maleba. Puso e bile e tsweletse ka go dira ka gotlhe go tla ka mananeo a a ka rotloetsang katlego ya seelo se. Bangwe bagolo ba motse wa Makobo mo kgaolong-potlana ya Tonota, ba tsweletse ka go ema katlego ya seelo se nokeng le gone gore ba se salele morago tebang le go nna le lesedi la thuto ka jaana ba tsena thuto ga-e-golelwe. Bagolo ba ke Mme Gaboipolelwe Tshwenyego yo o dingwaga tse di masome a matlhano le bongwe, Mme Tshekiso Ntoba yo o dingwaga tse di masome a robabobedi le borobabobedi ga mmgo le Mme Agnes Jase yo o dingwaga tse di masome a matlhano le botlhano. Mo potsolotosng le BOPA, mme Tshwenyego a re o ne a ikitaya ka thupana go tsena thuto ga-e-golelwe morago ga go itemogela fa lesedi la thuto e le sengwe se se botlhokwa mo botshelong bogolo thata mo malatsi a segompieno. Mme Tshwenyego a re o simolotse dithuto ko ga-e-golelwe ngwaga o o fitileng mme a tlhalosa fa lesedi le a setseng a le amogetse le fetotse botshelo jwa gagwe, a re thuto e ka fa motho seriti gape e ka thusa motho go boloka sephiri sa gagwe. Mme Jase le ene o supile fa a itemogetse fa thuto e le pilara ya botshelo, le ene a re ka lesedi le a setseng a le amogetse le mo direla dilo motlhofo ka jaana o setse a kgona go itirela mokwalo wa gagwe gope fa o tlhokegang teng a sa kgarakgatshege. Mme Ntoba le ene a re ntswa a itemogela dikgwetlho di le mmalwa tebang le go ithuta go bala le go kwala o setse a godile, se ga se na go mo kgoba marapo go diragatsa toro ya gagwe ya go bona lesedi la thuto. Morutabagolo Mme Hwisiso Moffat o tshwaetse fa bangwe bagolo ba supa fa ba nyoretswe go itse go bala le go kwala. A re go setse go na le bagolo ba le lesome le botlhano ba ba mo ga-e-golelwe mme botlhe ba tlhaga ka tiro ya bone. Mme Moffat a re dithuto tsa ga-e-golelwe di simolola motshegare ka jalo, seo se fa bagolo tiro ya go ka tsweledisa ditiro tse dingwe tsa mo gae mo mosong. A re ntle le go bala le go kwala, bagolo ba fiwa sebaka sa go rutana ditiro tsa diatla di akaretsa go roka, go loga,go betla le tse dingwe ka go farologana. Mme Moffat a re go botlhokwa gore bagolo le bone ba se salele kwa morago, a re le ntswa ba ka se tshware gotlhe,go molemo gore le bone ba nne le lesedi tebang le go bala le go kwala. A re pilara ya letshego la tshaba e e rutegileng e bile e na le kitso ka 2016 e akaretsa le bone gore e bo ba tlhaloganya sengwe gape gore pilara e e ka atlega fela fa ba ka se ikgogele kwa morago. society 9 Mosadi o fitlhetswe a tlhokafetse Mapodisi a Masunga kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba a tlhotlhomisa loso lwa mme mongwe yo o fitlhetsweng mo ntlong ya gagwe, a rapaletse mo bodibeng jwa madi a tlhokafetse kwa Kalakamati. Go ya ka motshwarelela mookamela mapodisi a Masunga, Assistant Superintendent Vincent Tebogo, tiragalo eo e diragetse mo mosong wa kgwedi ya Sedimonthole a le masome a mabedi le boferabobedi. A re mme yoo o ne a bonwa ke ba lelwapa la gagwe ba sena go tlhodumela mo ntlong ya gagwe morago ga go tlhobaediwa ke go bona a sa bonale, mme ba begela mapodisi ka tiragalo eo. Assistant Superintendent Tebogo a re moswi o ne a fitlhelwa a na le dintho tse go belaesegang go dirisitswe sengwe se se bogale mme a ragosediwa kwa sepateleng sa Masunga kwa go neng ga tlhomamisiwa fa a tlhokafetse. Go tlhalosiwa fa mme yoo, yo o dingwaga tse di masome a mararo le bone a tlholega kwa kgotlaneng ya Majabane kwa Kalakamati. Assistant Superintendent Tebogo o boletse fa ba santse ba tsweletse ka ditlhotlhomiso go bona se se ka tswang se bakile loso lwa mme yoo, a tlhalosa fa ba ise ba tshware ope mabapi le tiragalo eo. A re maina a moswi a santse a lobilwe go fitlhelela ba masika ba itsisiwe. E re dikgang di eme jalo, Assistant Superintendent Tebogo o tlhalositse fa malatsi a keresemose le ngwaga o mosha a jelwe ka boitumelo mo tikologong ya bone, a re ga go a nna le ditiragalo tse di kalo tsa borukutlhi. A re ba kwadisitse tiragalo e le nngwe kwa Masunga ya go thujwa ga ntlo go bo go utswiwa dithoto ka one malatsi ao, fa mong wa ntlo a ne a seyo, ka jalo a gakolola setshaba go nna ba tlogela mongwe a tlhomile leitlho fa ba tsaya maeto le gone go inaakanya le lenaneo la ntebele ke go lebele. Assistant Superintendent Tebogo o tsweletse a tlhalosa fa bontsi jwa banni ba metse ya tikologo ya bone ba ne ba ipelela malatsi ao, ka go bogela dikgaisano tsa kgwele ya dinao, tse a boletseng fa di ne di babalesegile di sena dilabe dipe. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Modubule o akgola lephata la dipalamo Mopalamente wa Lobatse, Rre Nehemiah Modubule o akgoletse lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng go bo le ruta setshaba ka ditirelo tsa lone. Rre Modubule o buile jalo kwa letsatsing la go bolotsa letsholo la tlhokomelo ya dikoloi e e akaretsang dithaere, dipone, le disutlha metsi (wipers) le le neng le rulagantswe ke ba komiti ya ipabalelo tseleng ya Lobatse. A re bakgweetsi ga ba ke ba tsaya tsia dilo dingwe jaaka dipone le disutlha metsi, le ntswa di le botlhokwa fela thata. Mopalamente Modubule o ne a kopa ba ba neng ba tsile letsholong leo go ya go ruta ba bangwe ka tse ba di amuleng a kaya fa dithuto tseo di le botlhokwa fela thata le fa go ntse jalo o ne a supa matshwenyego ka go tlhoka go tla ga morafe kwa letsholong leo. Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng kwa Lobatse, Mme Onalenna Sechele o ne a tlhalosa fa ba tshwentswe ke bakgweetsi bangwe segolo thata ba banana ba borre ba a kaileng fa ba tsenya dikoloi tsa bone dipone tse di sa letlelelweng. A re bone ba itse fa dikoloi tsa sepatela le mapodise e le tsone fela tse di tsenyang dipone tsa mebala e sele mme o ne a kopa gore ba ba dirang jalo ba emise mokgwa oo. O ne a bua a sa kgale mathe ka disutlha metsi a supa fa bakgweetsi ka bontsi ba sa di tsee tsia mme di le botlhokwa fela thata a tlatsa ka gore ke tsone tse mokgweetsi a di dirisang fa pula e na a gakolola bakgweeetsi go di baakanya fa di sa bereke. E ntse e le kwa letsholong leo Superintendent Gregory Mojobe o ne a supa fa dikotsi tsa tsela di oketsega letsatsi le letsatsi e bile di gapa matshelo a batho. A re bontsi jwa dikotsi tsa tsela di bakwa ke go tlhoka go sa itekanela ga koloi a tlatsa ka gore bangwe ba bakgweetsi ba tsamaya ka dikoloi tse di senang dithaere. Superintendent Mojobe o kopile bakgweetsi go baakanya dikoloi tsa bone pele ga ba tsena mo ditseleng go hema dikotsi tsa tsela a tlhalosa gore seemo seo fa se sa emelwe ka dinao tshaba ya lefatshe leno e tlaa nyelediwa ke dikotsi tsa tsela. Tlhogo ya letsatsi e ne e le e e reng “ela tlhoko pabalesego ya maotwana, o tshele. Bangwe ba ba nnileng le seabe mo letsholong leo ke ba dikompone tse di ikemetseng ka nosi tse di akaretsang Tyre fix (PTY) LTD le Tyre service . disaster_accident_and_emergency_incident 2 Go remakaka ditlhare go a tshwenya Lephata la dikgwa la re ga le itumedisiwe ke batho bangwe ba ba rwalelang dikgong ntle le teseletso ya go dira jalo. Ba buile se kwa bokopanong jwa bone le bogogi jwa Serowe le mokgatlho wa Roads with Trees bosheng. Mogolwane wa lephata la dikgwa kwa kgaolong ya Legare, Rre Desmond Serero, a re go na le bangwe ba gangwe le gape ba remang ditlhare go dira dikgong ba bo ba di rekisa, selo se a boletseng fa se se ka fa molaong. A re go na le tsamaiso e e tshwanetseng go salwa morago ya go rema ditlhare motho a bo a dira dikgong. Rre Serero a re fa motho a rwalela dikgong, o tshwanetse go tsaya tetla a bo a sala melawana ya yone morago. A re o lemogile fa go na le bangwe mo tseleng ya A1 ba ba remang ditlhare thata ba bo ba rekisa dikgong ba sena diteseletso fa bangwe ba bone ba rekisa le melemo ya setso jaaka monepenepe e se ka fa tsamaisong A re bangwe ba ba rekisang melemo ya Setswana ga ba a ikwadisa gope go supa fa e le dingaka tsa setso mme seo se a tshwenya. Rre Serero a re lephata la gagwe le tsweletse ka go ruta setshaba ka tshomarelo ya ditlhare. Rre Batsweleng Batsweleng go tswa kwa mokgatlhong wa Roads with Trees kwa Serowe, o tlhalositse fa e ne ya re ka 2012 ba jwala ditlhare mo tseleng e e yang kwa sekoleng se segolwane sa Swaneng Hill mme mo nakong ya gompieno, ditlhare tseo di kgabisitse motse ebile di fa baithuti le ba dikgwebo potlana meriti. A re seo se ba rutile gore go botlhokwa go lema setlhare se se golang thata le fa o se godisa se iketlile ka se kgona go dirisiwa morago ga dingwaga di ka nna tlhano le go ya pele. A re maikaelelo a Roads with Trees ke go lema ditlhare di le masome matlhano ngwaga le ngwaga mme ba lema di le masome mabedi le botlhano kwa Serowe le dingwe tsa palo eo mo thoko ga ditsela.] O ne a kopa thotloetso gore lenaneo la bone le atlege. Modulasetilo wa khansele potlana ya Serowe, Rre Mpho Kooreme, o kopile mokgatlho wa Roads With Trees go lema ditlhare ba dirisana le ba ditogamaano. A re se se ka ba thusa gore ba seka ba lema ditlhare fa go tsamayang ditlhabololo teng mme e re morago di bo di ntshiwa. A re ditlhare di botlhokwa fela thata mo tikologong le mo matshelong a batho ka go setse go supafetse fa di thusa ba dikgwebo potlana ka meriti le batho fela ka kakaretso. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Ramokgatla kwa Serowe, Mme Tebogo Rapitsenyane a re dikgang tsa tikologo di tserwe ka tlhwaafalo lefatshe lotlhe ka bophara. Mme Rapitsenyane a re go botlhokwa go somarela di tsa tlholego ka di tloga di nyelela a bolela fa mafatshe mangwe a ne a na le di tsa tlholego mme ba di nyeletsa ba bo ba felela ba ya kwa mafatsheng a mangwe go di bona teng. A re ditlhare di botlhokwa mme go botlhokwa go ruta banana ka tsone ka go lemotshega fa thuto e tlhaela mo go bone. BOKHUTLO environment 5 Ba Gakhibane ba akgola puso Banni ba Gakhibane mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba akgotse puso mo maitekong a yone a go netefatsa gore Batswana ba nna le bonno jo bo ba fang seriti. Fa a a lekodisa Mopalamente Frans Van der Westhuizen yo o tshwereng metseletsele wa diphuthego mo kgaolong ya gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Eva Mosarwe o tlhalositse gore ba itumelela maiteko a puso a go abela batho ba ba kobo dikhutshwane matlo. Rre Van der Westhuizen omo kgaolong go lekodisa batho ba kgaolo ya gagwe ka ditshwetso tsedi dumalanweng kwa palamenteng ee sa tswang go fela le gone go lekola botsogo mo kgaolong. A re ba amogela ka oo mabedi ntlwana ya borutelo mo motseng wa bone e e tlaa bong e itebagantse le bana ba ba ipaakanyetsang go ya go simolola lekwalo la ntlha. A re se ke kgato e ntle thata ka jaana e baakanyetsa bana goya go simolola sekolo ban a le lesedi la gore go diragalang kwa sekolong, a tlatsa ka gore thuto ke boswa jobo sa feleng. Mme Mosarwe o ne a bolelela mopalamente gore a kope puso gore a ba ka seke ba kgone go fa bana ba sekolre dijo tse di jewang mo kgaolong jaaka go direga kwa mafelong a mangwe. A re se se tlaa netefatsa gore le bone ba itshetsa ka dilo tseba di dirisang mo kgaolong jaaka dihutshane go intsha mo lehumeng. Rre Hendrick Visagie o ne a botsa mopalamente gore a mananeo a puso a go ntsha Batswana mo lehumeng a tlaa tswelela fa Tautona a sena go tlogela tiro mo bogaufing, a supa fa mananeo ao a le botlhokwa mo botshelong jwa Motswana. Banni bangwe ba ne ba supa ofisi ya boipelego ka monwana gore ere ntswa basa bolo go tsenya dikopo tsago thusiwa, nako kgolo ke eno mme sese ngomolang pelo ele gore gaba bolelelwe gore matsapa dia tsaya kae. Fa a akgwa Mme Mosarwe dikgaba, Mme Banyanabotlhe Keletleletswe o tlhalositse gore e tlaa re mo bogaufing dikgaolo ka go farologana a bo di kgona go rekisetsa dikole meamuso e e fitlhelwang mo go tsone. O ne a fa sekai gore kwa go jewang ditlhapi teng, batho ba mafelo ao ba tlaa rekisetsa dikole tsa kgaolo ya bone ditlhapi mme kwa go jewang di-tswa tshimong kana leruo le gone go tlaa nna fela jalo. BOKHUTLO politics 7 Bagodi ba kopa lefatshe Babereki ba ba tlogetseng tiro ka bogodi kwa Palapye ba re maiteko a bone a go tsweledisa mokgatlho wa bone wa go ikokoanyetsa madi a diphitlho le go tlhokomelana a eme fela ka lebaka la gore ba kabo ya lefatshe ba sokodisa ka go ba abela lefatshe le ba le kopelang go ikagela diofisi mo go lone. E rile fa ba kopane bosheng, modulasetilo wa komiti eo, Rre Robert Kealotswe, a bolela fa ba sale ba tladitse dipampiri tsa go kopa setsha seo mme jaanong ba sa fiwe phetolo e e tlhapileng. A re e rile ba ile go latedisa kgang ya kopo ya bone, ba kabo ya lefatshe ba ne ba ba bolelela fa motse wa Palapye o gola go nna toropo, ka jalo, ditsha tsa teng ke tse di segiwang, ba bua jalo ba sa solofetse go ba baya setsha mo nakong epe e e gautshane mme ba tla sekaseka kopo ya bone. O tsweletse a ba tlhalosetsa gore bane ba ratile lefelo le ba le kopileng ka gore le gaufi le tsela ka jalo go siametse bagodi, gore ba seka ba tsamaya mosepele o motelele fa ba fologa dikoloi ba ya teng. O ne a tswelela ka go kopa maloko gore ba rotloetse botlhe ba ba tlogetseng ditiro ka bogodi go tla go ineela mo mokgatlhong wa bone. Ba re go ka ba thusa gore ba kgone go nna ba kopana le go tlhokomela bangwe ka bone ba ba setseng ba sa kgone mme ba sena tlhokomelo kwa malwapeng, a tlatsa ka gore mokgatlho wa bone ke wa lorato le kutlwelano bothoko. O ne a bolela fa mokgatlho wa bone o kwadisitswe ka fa molaong lefatshe lotlhe ka bophara, le gore diofisi dikgolo tsa bone di kwa Gaborone. A re go amogelwa mongwe le mongwe go tsena le ba baneng ba sa bereke puso tota. BOKHUTLO society 9 Lefelo la banana ga le na tlhokomelo Banana ba Mosojane le Zwenshambe ba re ba tshwenngwa ke go sa tlhokomelweng ga lefelo la banana ba kgaolo ya Bokone Botlhaba la itloso bodutu le le mo motseng wa bone ntswa le beile dithoto tse di lopileng puso madi a a seng kana ka sepe. Mo potsolotsong bosheng, monana wa Mosojane, Rre Jenamiso Jerry o tlhalositse fa lefelo leo, le na le dithoto di akaretsa dikhomputara di ka tshwara lesome, didirisiwa tsa itshidilo mmele, dibuka, ditilo, diromamowa, dipitsa gammogo le ditante tse a reng ba di abetswe ke ba lephata la banana, metshameko le ngwao go ka di dirisa go ikgobokanyetsa matsana mmogo le go itlosa bodutu. O supile fa lefelo leo, le agetswe go sologela molemo banana botlhe ba ba mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ka jalo go ka nna molemo gore go tlhophiwe komiti ya banana go tswa mo metseng e e farologaneng mo kgaolong go tlhomamisa tlhokomelo ya lone. A re gape go ne go ka nna molemo fa go ne go ka ntshiwa mongwe go tswa mo ofising ya banana go etelela tsamaiso lefelo leo. O tsweletse ka go tlhalosa fa ba tshogetse pabalesego ya dithoto tse di mo lefelong leo ka go sena ope yo o di beileng leitlho le go tlhomamisa gore di dirisiwa sentle. Rre Jerry o tlhalositse fa lefelo leo le sa tlhole le kgatlha leitlho, ka e bile le setse le fetogile mafulo a leruo. A re fa e sale banana ba ba neng ba kgatlhega go le tlhokomela le go le dirisa ba bona dithuso tsa mananeo a puso, ga gona ope yo o kileng a tsaya boikarabelo jwa go bona gore le tswelela ka go nna mo tirisong. E rile a tswa la gagwe mongwe monana go tswa kwa motseng wa Zwenshambe, Mme Anitha Sithelo a tlhalosa fa ba eletsa go dirisa lefelo leo mme ba sa itse gore ba tshwanetse ba bona mang yo o maleba go ba thusa. E ntse e le kwa Zwenshambe, Mme Sesupo Mokgethi ene o kopile puso go tlhopha komiti e e tla tlhokomelang lefelo leo gore le kgone go dirisiwa go tsenya madi mo letloleng la banana ba kgaolo eo, gore motlhang go nnang le tiro e e tla tlhokang go dirisa madi, ba kgone go e tshegetsa ntle le mathata ape. Go ya ka mogolwane wa mananeo a banana mo lephateng la banana, metshameko le ngwao, mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Mbiganyi Magina, lefelo leo le hiretswe banana ba tirelo setshaba ba le bane go le tlhokomela. O ganeditse magatwe a gore lefelo leo ga le na batlhokomedi go tswa mo ofising ya puso ka go na le ba UNFPA le ba lephata la Botswana National Youth Council ba ba filweng marapo a go fa banana ba ba tlang mo lefelong leo dithuso tse ba di tlhokang. O tlhalositse fa ba kopile ba khanseleng go ba thusa go gokelela maranyane mo dikhomputareng gore banana ba kgone go di dirisa. Rre Magina o tlhalositse fa go na le madirelo a a neng a se mo tirisong jaaka lefelo la itshidilo mmele ka a ne a tlhasetswe ke bo mmamanthwane mme ba ne ba ikgolagantse le rakonteraka mongwe go baakanya seemo seo le ntswa a ne a dirile mo go neng go sa ba kgotsofatse. O tsweletse ka go tlhalosa fa rakonteraka yoo a tla tswelela ka go baakanya lefelo leo. Rre Magina o kopile banana botlhe ba ba nang le keletso ya go anywa meamuso e e mo lefelong leo go ikgolaganya le badiri ba ofisi ya UNFPA le ba BNYC teng kwa lefelong leo, mme a kopa le maphata a puso gammogo le a a ikemetseng go tshwaragana go thusa banana ba kgaolo go tlhabolola matshelo a bone. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Bangwato ba batla go ipelela ngwao Leloko la komiti e e baakanyetsang moletlo wa Gammangwato Heritage Festival, Rre Thero Badirwang a re moletlo wa go supa ngwao le ditso tsa Gammangwato o tlaa tshwarwa Ngwanatsele e tlhola malatsi a le masome mabedi le motso mo Serowe. O buile jaana bosheng fa ba ne ba tshwere bokopano jwa go sekaseka gore ba tsweletse jang ka ipaakanyetso moletlo. Rre Badirwang a re maikaelelo a moletlo o ke go tsosolosa ngwao ya Gammangwato ka ba ne ba lemoga fa e nyelela. O ne a supa fa ngwao e le botlhokwa ka e kgona go bopa setho sa motho, e bo e mo tsenya mo tseleng, bogolo jang setho sa banana. Rre Badirwang a re ba bone gape go le botlhokwa gore ba kopane, ba rutane le go kaela ba ba tlang kwa morago gore ngwao ya bone e ntse jang. A re kgaolo ya Gammangwato e na le metse e mentsi go tswa Dibete go ya go tsena kwa Makalamabedi, ka jalo a re le bone ba ka dira moletlo o o tshwanang le wa Bakalaka wa Domboshaba le wa Bakwena wa Dithubaruba. Rre Badirwang o ne a ikuela mo malokong a Gammangwato Heritage Festival gore ba dire ba le seopo sengwe gore moletlo o atlege. O ne a supa fa tiro e ya moletlo wa Gammangwato Heritage Festival ba e simolola ba sena madi, mme a kopa ba dikgwebo le morafe go ba thusa ka sengwe le sengwe se ba ka se kgonang gore letsatsi le le atlege. Mongwe wa barulaganyi ba letsatsi le, yo e leng mookamedi wa Mabuse Heritage Group, Rre Abel Mabuse a re moletlo o tlaa bo o tshwaretswe kwa kerekeng ya UCCSA kwa Tlhatlaganyane, ka e le gone kwa go humileng le ditso tsa Gammangwato. A re ba tlaa rekisa dilo tse di farologanyeng di tshwana le dikipara le metlaagana e bile go tlaa ntshiwa lemmenyana la go tsena fa kgorong go kokoanya madi. arts_culture_entertainment_and_media 0 Botlhe ba tsile go thusiwa ka mananeo Mongwe le mongwe yo o tshwanetseng go thusiwa ka mananeo a puso a nyeletso lehuma mme a ise a thusiwe o tsile go bona dithuso pele ga lenaneo le ya bokhutlong. Mafoko a, a builwe ke mogokaganyi wa lenaneo la nyeletso lehuma mo kgaolong-potlana ya Mahalapye, Mme Kagiso Senthufhe kwa ditshupong tsa lenaneo la nyeletso lehuma tsa kgaolo eo bosheng. Mme Senthufhe a re go setse go kwadisitswe batlhoki ba kgaolo- potlana ya Mahalapye ba le 4 351, mme mo go bone ba le 1 659 ba setse ba kgonne go thusiwa ka didirisiwa kgotsa madi a go ka simolola dikgwebo. O tlhalositse gore mo dipalong tsa ba ba setseng ba thusitswe, ba le 1 188 ba tsweletse pele e bile ba setse ba kgona go itshetsa ka tsone le go tlhabolola matshelo a bone. A re puso e dira ka gotlhe go dira gore botlhe ba ba iseng ba bone dithuso ba di bone ka bonako lenaneo le ise le wele. O tlhalositse fa e rile puso e lemoga fa go na le Batswana ba ba aparetsweng ke lehuma, ya simolodisa mananeo ka go farologanya go bona gore e ka ba thusa jang gore le bone ba kgone go tshela sentle. Mme Senthufhe a re mananeo a rotloetsa gape le dikgwebo tse di potlana gore di itsetsepele mme beng ba tsone ba kgone go thusa malwapa a bone le go thapa ba bangwe. O ne a tlhalosa gape gore go thusiwa Motswana mongwe le mongwe yo e reng a kanokwa a fitlhelwa e le motlhoki, ba-na-le bogole mme ba supa kgatlhego e bile ba le dingwaga di feta lesome le boferabobedi. E rile a tswa la gagwe, Kgosi Duncan Segotsi a tlhalosa fa puso e dira ka gotlhe go nyeletsa lehuma mo Batswaneng. Kgosi Segotsi a re puso e boloka batho ka go ba thusa go kgona go ikemela go fokotsa go kopa mo go ba bangwe, mme ya ntsha mananeo a batho ba ka itsetsang ka one. A re mananeo a nyeletso lehuma a thusa batho go inamola lehuma ka se bone ba bonang se ka ba solegela molemo, mme ka jalo a kopa ba ba setseng ba akotse mananeo go rotloetsa ba bangwe. Kgosi Segotsi a re bangwe go lebega ba sena kgatlhego ya go tsenelela mananeo a, ka ba tlhajwa ke ditlhong mme a tlhalosa gore ga go sepe se motho a ka se itirelang fa a sa batle bangwe ba se bona. O ne a galaletsa ba ba neng ba tsisitse disupiwa gore ba dira sentle go tswela kwa ntle gore ba bangwe ba bone bone gore ga go na sepe se se ditlhong ka go thusiwa ke puso. A re ba dirile sentle ka go tswela kwa ntle gore ba bonwe ka e bile moo go tsile go godisa dikgwebo tsa bone ba bo ba ithuta mo go ba bangwe gore bone ba tsweletse jang. A re kgwebo e tsamaya sentle fa e tswela mo pontsheng, a rotloetsa gore gape ba itirele leina gore kamoso ba bo ba itsiwe mme bangwe ba tseye malebele kgotsa ba reke mo go bone. Kgosi Segotsi on e a akgola gape le badirelapuso ba ba isang mananeo kwa setshabeng go tswelela ka tiro e ntle e ba e dirang ka ba emetse e bile ba tshwere madi a puso go boloka Batswana. Ditshupo tseo, di ne di tseneletswe ke ba ba thusitsweng e bile ba tsweletse sentle ba supa merogo, diaparo, mekgabisa, dipodi gammogo le ditlhare. Mongwe wa ba ba neng ba tsisitse disupiwa go tswa kwa Maape, Rre Michael Moshabi o ne a galaletsa lenaneo la nyeletso lehuma, a tlhalosa fa le mo thusitse fela thata e bile a kgona go itshetsa le ba lelwapa la gagwe. Rre Moshabi a re o ne a thusiwa ka lenaneo la tshingwana ya merogo mme o tsweletse sentle ka o kgona go rekisetsa setshaba le go jesa ba lelwapa la gagwe. BOPA economy_business_and_finance 3 Twantsho tshenyetso setshaba ke ya botlhe Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse a tshwenyega fa a bona tiragalo nngwe ya tshenyetso setshaba e diragala mo tikologong ya gagwe go sa nneng jalo itsholelo ya lefatshe e ka koafala. Fa a bula thuto puisano e e itebagantseng le go rutuntsha badiredi ba ofisi ya ga molaodi kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ka dikgang tsa tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo, modiri mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae go tswa mo lekalaneng la lephata leo la twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo, Rre Trickey Mosedame o tlhalositse fa e rile ka 2010 ga ntshiwa taolo ya gore maphata a tlhame dikomiti tse di itebagantseng le tshenyetso setshaba morago ga go lemoga fa e ne e tsaya phekelo e sele mo lefatsheng leno. Rre Mosedame a re go a itumedisa go bona komiti ya tshenyetso setshaba ya ofisi ya ga molaodi e tshela e bile e bereka ka botswapelo, a re mme fela go a tshwenya ka jaana go na le bangwe ba ba nang le mokgwa wa go leba maloko a komiti eo ka leitlho la kilo. Modiri go tswa mo lephateng la ga molaodi, Mme Senzeni Mmokwa, yo gape eleng leloko la komiti ya twantsho tshenyetso setshaba, o tlhalositse fa maikaelelo a thuto puisano eo, e le go tlhatlhelela bodiredi jwa bone ka dikgang tsa tshenyetso setshaba le gore ba itse ditlamorago tsa yone mmogo le go ba tlhagisa kgatlhanong le go amega mo go yone. E ne e rile go le pele, Mme Mmokwa a tlhalosa fa maikaelelo a komiti ya bone e le go itebaganya le dikgang tsa tshenyetso setshaba mo lephateng la bone, ka maikaelelo a go thusa go leka go e fokotsa. A re komiti e itebaganya le dikgang tseo ka go gasa melaetsa mo bodireding jwa lephata. Molaodi wa kgaolo, yo gape eleng modulasetilo wa komiti ya tshenyetso setshaba, Rre Rapetse Mathumo o boletse fa go le gantsi batho ba akanya ka tshenyetso setshaba fa go umakiwa madi, mme a re le ntswa madi a ka tswa a di goga kwa pele, fela go na le ditiragalo dingwe tse le tsone eleng dikarolo tsa tshenyetso setshaba. Rre Mathumo a re nngwe ya dikarolo tsa tshenyetso setshaba e bile e le borai mo matshelong a batho ke go sa direleng dilo mo pontsheng, jalo a kopa bodiredi jwa lephata la gagwe go dirisa dithuto tse ba di amuleng mo thuto puisanong eo go nyeletsa tshenyetso setshaba ka ponyo ya leitlho. Modiri wa lekalana la tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo, Mme Pauline Kobuane o tlhalositse gore ope yo o ka bonwang molato wa tshenyetso setshaba a ka atlholwa dingwaga tse di sa feteng lesome mo kgolegelong kgotsa madi a a sa feteng P500 000 kgotsa dikatlholo tseo ka bobedI. Bokhutlo society 9 Temo ya ditlhare e ka fokotsa lehuma Banni ba Kareng mo Kgaolong ya Nhabe ba kgothaditswe go inaakanya le temo ya ditlhare. Fa a bua ka letsatsi la temo ya ditlhare la kgaolo le le neng le tshwaretswe kwa Kareng bosheng, Rre Kemonna Keapoletswe o tlhalositse fa kgwebo ya temo ya ditlhare a busetsa ka go supegile mo mafatsheng a mangwe. Ka jalo Rre Keapoletswe o ne a gwetlha banni ba motse oo go innaakanya le temo ya ditlhare a re gape ke tsela ya go somarela tikologo. Rre Keapoletswe o tlhalositse fa letsatsi la temo ya ditlhare le tshwarwa ngwaga le ngwaga gore batho ba gokolowe ka mosola wa ditlhare mo tikologong. A re letsastsi le le seegetswe fa thoko ke lekgotla la ditshachaba go tsibosa kgatlhanong le go remakaka ditlhare le go senya naga. Ka jalo, o tlhalositse gore letsatsi leo le dirisiwa go rotloetsa batho gore ba tlhokomele ditlhare ba bo ba di leme ditlhare. Rre Keapoletswe o ne gape a re letsatsi leo mo Botswana le rotloetsa temo ya ditlhare tsa pele tse a reng di botlhokwa mo matshelong a Batswana ka di jewa ke leruo. O gwetlhile banni bao gore ba dirise le mananeo a puso a a rotloetsang kgwebo ya temo ya ditlhare fa ba sena bokgoni. Modiri kwa lephateng la Forestry and Range Resources Rre Apiuta Hijamakutu ene o ne a tlhalosa fa letsatsi leo le rotloediwa go buseletsa ditlhare tse di rengwang ka mabaka mangwe a botshelo. Rre Hijamakutu o tlhalositse gore moono wa letsatsi ke go tsibosa gore batho ba fokotse go rema ditlhare, go tshuba naga le tse dingwe tse di ka bakang manokonoko a phetogo ya loapi. ENDS environment 5 Go utswiwa ga batho go teng Babereki ba lephata la itshireletso ba rotloeditse Batswana go tsiboga fa masika kgotsa ditsala di sa bonale ka jaana go utswiwa ga batho go ile magoletsa lefatshe ka bophara. E rile ba tsibosa makhanselara a Kweneng bosheng kwa Molepolole, ba supa fa dikgang tsa go utswiwa ga batho di diragalela Batswana fela jaaka batho ba mafatshe a sele. Mongwe wa batlhatlheledi, Mme Veronica Rabakane o ne a tlhalosa gore batho ba gantsi ba utswiwang ke basetsana le bomme. Mme Rabakane o ne a tlhalosa gore gantsi batho ba ba utswiwang ba dirisiwa ditiro tse di sa siamang e bile di le kgatlhanong le maikutlo a bone. A re basetsana gantsi ba tsewa ba bo ba dirisiwa mo go tsa tlhakanelo dikobo e le kgwebo, a tlatsa ka go re gantsi batho ba, ba utswiwa mo metseng ya bone kgotsa ba raelwa ka ipapatso ya ditiro kwa moseja. A re ka jalo go botlhokwa gore Batswana ba ele tlhoko melaetsa ya ipapatso ya ditiro le dikole ka jaana di kgona go ba digela ka lemena. O ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go ya go kopa thuso kwa mapodising go batlisisa bonnete jwa ipapatso. O ne a tlhalosa gore gantsi bangwe ba felela ba iphitlhela ba raletse diemo tse di thata morago ga go solofediwa gore ba tlaa tsenngwa dikole kwa mafatsheng mme ba fitlhele ditsholofetso tseo di na le dibelebejane mme go le bokete go boela gae. O ne a tlhalosa fa bomme ba bagolwane bogolo jang ba tseelwa go tshodisiwa bana, bana bao ba bo ba rekisiwa, mme ba bangwe ba utswelwa go ntshiwa dikarolo tsa mmele di tshwana le diphilo di bo di rekisiwa. Batlhatlheledi ba re fa ba ntse ba tsena dithuto tsa go kgaogana maele a go tsibosa batho ka se, go ne ga supa fa bangwe ba tsenya batho mo dikoloing tsa dithoto gore ba kgone go feta ka bone mo melelwaneng. Ba ne ba tlhalosa gape gore gantsi batho ba ba tsewang kgatlhanong le maikutlo a bone mogang ba boang ba tla ba sa itekanela sentle mo ditlhaloganyong fa bangwe ba tla ba tlhokafetse. Ba ne ba tlhalosa gore ba na le dikgang tse pedi tse mo go tsone mme mongwe a neng a solofediwa tiro kwa Canada mme yare a tsena teng a fitlhela se a neng a sa se solofela, ba tswelela ba tlhalosa gore mme yoo o ne a tlamega go ya go beraka a bapala maungo a ditlhare gore a batle madi a go boela gae. Ba ne gape ba supa gore lebaka le letona le le ka tswang le dira gore batho ba seka ba boela Botswana kgotsa ba bua ka seemo se ba fetileng mo go sone le go ditlhong. crime_law_and_justice 1 ‘Ntshang ba-na-le bogole kwa mahure’ Mongwe wa bagwebi ba ba tumileng mo Kanye, Rre Prince Mosanana o rotloeditse batsadi ba ba nang le batho ba ba nang le bogole go ba ntshetsa mo pontsheng gore ba bone dithuso. O buile jalo ka letsatsi la ba-na-le bogole le tshwaretswe mo Kanye bosheng. O kgothaditse fa ba tshwanetse go thusiwa fa ba tlhaelang teng, a lebogela puso go bo e thusa mme a bolela fa go sa lekana. A re go santse go na le batho bangwe ba ba fitlhang ba na le bogole, mo go dirang gore ba seka ba bonwa mme ba thusiwa. O kopile gore ba ntshiwe mo digotlong. O ngongoregile ka melao mengwe e e kgaphelang ba-na-le bogole kwa ntle, a re e tshwanetse ya sekasekwa. O boletse gape gore dikago dingwe tsa puso le ba dikgwebo ga di a nna sentle go thusa ba-na-le bogole go tsena mo go tsone. Rre Mosanana o boletse fa puso e ntshitse mananeo a mantsi, a bolela fa ba-na-le bogole ba tshwanetse go inaakanya le one gore ba itlhabolole. Rre Mosanana o rotloeditse puso go ba tsenya mo maemong jaaka go nna makhanselara a a itlhophetsweng le bopalamente gore le bone ba buelele ba-na-le bogole ka bone. O boletse fa ba tshwanelwa ke maemo jaaka mongwe le mongwe. O boletse fa bangwe ba sa tsalwa ka bogole, e bile ba le botlhale. O boletse fa ba na le dikitso tse di faphegileng. Mongwe wa barotloetsi, Rre Isaac Nkganetsang o boletse fa ba-na-le bogole ba sa rutwe ka go itshireletsa mo malwetseng a a diphatsa jaaka HIV/AIDS. O boletse fa ba tshabelelwa ke malwetse ka gore ga ba bolelelwe e bile kitso e tlhaela mo go bone. A re ga ba rutwe ka tsa itshireletso le tiriso ya sekausu. O boletse fa go sena batoloki ba ba ka thusang ba-tlhoka puo go ranola mananeo. Dibui ka go farologana jaaka ba ba nnang le ba-na-le bogole ba boletse fa bangwe ba inyatsa, fa bangwe ba masika le ditsala ba ba tseela kwa tlase. Ba boletse fa bangwe ba tsaya gore ke boloi fa bangwe ba re botsadi bo ne bo sa ikilele. Mme Kebainee Omphile wa mo-na-le boswafe, o boletse fa a ikamogetse le fa batho bangwe ba ngwaangwaana fa ba mmona. O boletse fa a tsere mananeo a puso a itshetsa sentle ka one. O rotloeditse ba-na-le bogole go tsaya mananeo le go ikamogela. BOKHUTLO society 9 Bodiredi jwa Takatokwane bo 
aga bana Modiredi mo ofising ya tokafatso matshelo a batho kwa Takatokwane, Mme Maureen
 Lefifi o tlhalositse fa bodiredi bo tshwentswe thata ke go tlogela sekolo ga
banana ba motse oo ka mabaka a a farologanyeng, go balelwa le boimana. E rile a bua kwa thuto-seka
dipuisanong le banana ba sekolo se sebotlana sa Takatokwane, mme Lefifi o
tlhalositse fa gantsi dikgang tse di diragala mo malwapeng a batsadi ba
tlogelang bana ba le nosi, ka jalo go tlhoke yo o kgalemang. O ne a kopa bana ba sekole go
nna ba itsise barutabana kgotsa bogogi ja motse fa e le gore ba itse bana
bangwe mo motseng ba ba nnang ba sena batsadi. Mme Lefifi o ne gape a tlhalosa
fa go supagetse fa kgokgontsho e le ntsi thata mo baneng ba dikhutsana, selo se
a reng se felela se ba kgobera maikutlo mme ba felele ba sa dire sentle mo
dithutong tsa bone. Mooki mo kokelong ya motse
oo, Rre Brendan Moilwe o ne a tlhalosetsa banana bao fa boimana bo le borai mo
matshelong a bone ka jaana mebele ya bone e ise e lekane go tshola ngwana, selo
se a tlhalositseng fa se ka nna sa baka leso ka nako ya pelegi. O ne gape a tlhalosa fa
boimana bo ka ba senyetsa bokamoso ka jaana ba tlaa tshwanelwa ke go tlogela
sekole go ya botsetsing, mme ebile go na le kgonagalo e ntsi ya go
kgokgontshiwa ke bana ba bangwe mo maikutlong nako e ba boelang sekolo morago
ga pelegi. A re boimana ja bana gape bo
tsisa mathata a tlhaelo ya madi mo lwapeng ka jaana tlhokomelo ya losea e nna
mo batsading ka mmaalone wa bo a sa le mmotlana go dira madi a go fepa lesea
leo, ka jalo a ba kopa go ikgapha mo go tsa tlhakanelo dikobo go fitlhela ba
gola. Rre Moilwe o ne gape a
tlhalosa fa boimana bo ka tla le malwetse a mangwe jaaka rasephiphi. O ne gape
a tlhalosa fa dipatisiso di supa fa banana ba ba tsholang ba santse ba le
bannye ba tshabelelwa ke go tlhomaganya bana, mme seo se ka holodisa sebaka sa
bone sa go bona nyalo mo isagong. Modulasetilo wa
khansele-potlana ya Letlhakeng, Rre Tlotlo Batlhophi ene o ne a kopa banana bao
go emisa go lekeletsa dilo tse di sa siamang jaaka nnotagi, mme a lebogela
badiredi le bogogi ja motse oo go rulaganya thuto seka dipuisanyo eo. O ne a ba kopa gore e nne
selo modiro ka jaana bana ba ka tsaya ka tsebe botoka fa ba utlwa molaetsa
kgapetsa-kgapetsa. Ramapodise wa kgaolo eo Rre Ocean Maraganyane o ne a
tlhalosetsa banana ba sekole seo ka bodiphatsa ja go inaakanya le borukutlhi. education 4 Ba re matshego mangwe a boelele Banni ba Tutume ba re ba eletsa gore matshego mangwe a a neng a le mo Tebelopele ya 2016 a akarediwe mo go e ntsha ya 2036. Ba buile jalo fa ba ne ba rolela lekoko le le romilweng ke tautona go tsaya megopolo mo setshabeng go baakanyetsa tebelopele ya 2036 kwa Tutume ka Mosupologo. Re Imi Phili a re letshego la Tebelopele ya 2016 la setshaba se se rutegileng se se itseng le la setshaba se se siameng se se sa ileng ope a tshwanetswe go tsweledisiwa mme go baakangwe ditshetla dingwe gore a kgone go akaretsa setshaba se se siameng se se sa ileng ope. Rre Phili a re gape go tshwanetse ga rotloediwa gore diteme dingwe di rutiwe mo dikoleng gore bana ba kgone go tlhaloganya dithuto botoka. A re gape le kgang ya letlhoko la ditiro e nne nngwe ya dipilara tsa letshego leo la 2036 gore leka go tokafatsa seemo seo mo dingwageng tseo tse di masome mabedi. Rre Siyani Sisila ene a re tebelopele ya setshaba ya 2016 ga e a atlega ka gore go nnile le boitseme mo bathong ba ba neng ba tshwanetse go diragatsa ditiro dingwe tsa tebelopele mme seo sa feleletsa se kokonela setshaba. Rre Bigboy Chavaphi o ile a re ke nako gore batho ba fetole dikakanyo mo dilong tse di tshwenyang Batswana mme ba di lebe ka leitlho le le tseneletseng la gore e le Batswana ba eletsa ba ka tshela jang (change of mindset in issues of concern to people). Modulasetilo wa lekoko leo,Rre Mpho Balopi a re lekoko leo le romilwe ke tautona go tsaya megopolo mo bathong wa go bopa tebelopele ya setshaba ya 2036. Rre Balopi a re lekoko leo le tshwana fela le le neng le romilwe ka ngwaga wa 1990 go tsaya megopolo mo bathong go bopa tebelopele ya 2016. A re Batswana ba ne ba tswa ka dintlha tse supa kana matshego a supa a tebelopele eo e e welang monongwaga. O ile a re maikaelelo magolo ke gore Batswana banne le seabe go abelana megopolo gore ba batla gore tebelopele 2036 e tsamaisiwe jang le go akaretsa ba na le seabe botlhe go se ope yo o salelang kwa ntle. politics 7 Banni ba Serinane ba ngongorega ka bakgweetsi Banni ba Serinane mo kgaolong ya Letlhakeng Botlhaba ba supile matshwenyego ka bakgweetsi ba ba dirisang tsela ya Letlhakeng/Molepolole e e ralalang motse wa bone, ka jaana ba kgweetsa ka lebelo le le feteletseng e bile ba sa obamele matshwao a tsela. Banni ba dirile ikuelo eo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Liakat Kablay. Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Wabone Setudumane, o supile fa bakgweetsi ba ba dirisang tsela eo ba taboga ka lebelo le le feteletseng ebile ba sa rekegele matshwao a tsela. A re go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng go diphatsa thata mo banning ba motse oo, ka baithuti ba kgabaganya tsela eo ba ya dikolong. Banni ba kopile mopalamente go ikopanya le ba ofisi ya ditsela go sekaseka gore seemo seo se ka tokafadiwa jang. Ba ne ba kopa gape gore bogolo go dirwe dilo tse di ka fokotsang lebelo ka jaana matshelo a bone a le mo diphatseng. Go ba kgwa kgaba, mopalamente Kablay o ne a supa fa le ene a tshwentswe ke bakgweetsi ba tsela eo ka ba kgweetsa ba sena kelelelo ntswa tsela eo e ralala motse. Fa a itebaganya le dikgang tsa thuto, Rre Kablay o ne a kopa banni ba motse oo go tshwaraganela thuto ya bana ba bone le barutabana. O supile fa puso e tshwentswe ke go wela tlase ga maduo a baithuti mo lefatsheng, bogolo jang a dikolo tse di kgolwane. O supile fa baithuti ba sa tseye dithuto tsa bone tsia ka ba tsweletse ka go supa maitsholo a a makgapha le go ngala dithuto ntswa bokamoso jwa bone bo le mo diatleng tsa bone. O gwetlhile batsadi go rotloetsa baithuti go tlhwaafalela dithuto tsa bone, a supa fa thuto e le bokamoso jo motho a ka sekeng a bo amogwe ke ope. Rre Kablay o tsweletse ka go kopa batsadi go tsibogela go direla bana ditlankana tsa matsalo le dikarata tsa Omang ka jaana di le botlhokwa fela thata. Fa a leboga mo phuthegong eo,mokhanselara wa Moshaweng, Rre Tshepiso Lesope o rotloeditse banni go ikwadisetsa ditlhopho ka dipalo tse di nametsang go netefatsa gore ba diragatsa tshwanelo ya bone ya go tlhopha ngwaga o o tlang. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Khansele ya Kgatleng e itebaganya le dikgwetlho Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Tona Mooketsi a re khansele eo e lebaganwe ke dikgwetlho jaaka tlhaelo ya didirisiwa le madi go kgona go isa ditlamelo kwa bathong. E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Modipane ka Laboraro, Seetebosigo a tlhola gane, a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go rurifatsa gore Batswana ba kgaolo ya Kgatleng ba bona ditlamelo ka nako e bile ba kgotsofalela dithuso tse ba di ba fang. Rre Mooketsi a re le fa go ntse jalo, ga ba kake ba ipata ka tlhaelo ya didirisiwa le madi go thusa setshaba, a tlatsa ka gore ba itlamile go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go isa ditlamelo kwa bathong. A re o tlhobaediwa ke tlhaelo ya dikoloi ka jaana madi a sa lekane go ba thusa go rarabolola bothata jo, bogolo jang ka lefatshe le santse le lebanwe ke tlhaelo ya madi mme bonyennyane jo ba bo neelwang bo sa lekane go atolosa le go reka didirisiwa tse di lekaneng. Modulasetilo o lebogetse banni ba motse oo ka ba kgonne go dira lekalana la itshetso la Modipane Trust le ka lone ba ikaelelang go tokafatsa matshelo a bone. A re seo ke kgato e e maleba ka jaana ba ka dirisa ditsa-tlholego go tlhabolola matshelo a bone e bile maloko a mokgatlho oo ba tla ipelega ka seo, sone se tebelopele ya setshaba ya 2016 e se rotloetsang. Fa akgela mo tekodisong ya ga Kgosi Fanuel Mokalake, jaaka a ne a ngongorega ka barui ba ba sa tlhokomeleng leruo la bone mme e bile le baka tshenyo mo masimong le mo motseng tota, o tlhaloseditse banni fa go tlogela leruo le gobeya mo motseng le mo ditseleng go baka tshenyo e bile bangwe ba latlhegelwa ke matshelo. Mo go tse dingwe, o kopile batsadi go emela thuto ya bana ka dinao ka go supega fa bana ba sa dire sentle mo dithutong tsa bone mme e bile maduo a bone a wela tlase ngwaga le ngwaga. Rre Mooketsi o supile fa thuto ya ngwana e le bokamoso jwa gagwe mme gore a dire sentle batsadi ba tshwanetse ba ema le ene mo dithutong tsa gagwe e bile ba mo rotloetsa go dira ka natla. Banni le bone ba iteetsee kobo moroko dikgang tse, ba tlatsa ka go supa fa ba sa itumedisiwe ke modumo wa diletso mo motseng o o dirwang ka maitiso. Ba re fa motho a sa tsoga sentle mme modumo o le kwa godimo, botsogo bo ya kwa tlase le go feta mme go buisana le beng ba madirelo kana mediro go tsosa dikgotlhang. Mme Helen Moloi a re, ke boammaaruri leruo le a ba tshwenya e bile le ba senyetsa ditlhare mo malwapeng ka le kgona go bula dikgoro mme le senye, ka jalo o kopile barui go tlhokomela leruo la bone. society 9 Sekole sa Dovedale se a ipela Banni ba Dovedale le badiri ba sekole se sebotlana sa motse oo ba ne ba ipelela dingwaga tse di masome a mane sekole seo se ntse se le teng bosheng. Mogokgo wa ntlha wa sekole seo, Rre Malebogo Sefhemo a re ke maiteko a matona ka ba simolotse ba na le dikgwetlho tse ditona ka batsadi ba ne ba sa tlhaloganye mosola wa thuto ka nako eo. Rre Sefhemo a re sekolo se, se butswe ka ngwaga wa 1976 ka baithuti ba le lekgolo. A re ka nako eo, go ne go sena ditsela, boroko le dipalamo mme ba ne ba bereka ka boineelo. A re ba ne ba na le mowa wa boithaopo le go dira mmogo mo go neng go ba thusa gore ba kgone go ntsha maduo ntswa ba ne ba na le dikgwetlho tse dintsi. O ne a tlhalosa gore ka nako eo ba ne ba amogela baithuti ba bagolwane ka ba ne ba diega go tla dikoleng mme ba na le maitsholo a a amogelesegang ka batsadi ba ne ba sa ntse ba otlhaya bana. E rile a bula moletlo oo semmuso, Mme Pinkie Setlalekgosi o ne a rotloetsa batsadi go tlhokomela bana ba bone. Mme Setlalekgosi a re o lemogile gore bana ba Botswana ka bontsi ba inaakantse le nnotagi le tiriso ya diritibatsi. A re o tshwenngwa ke boimana jo bo golelang pele jwa bana ba ba sa ntseng ba tsena sekole, a tlatsa ka gore boimana bo senyetsa bana bokamoso e bile bo busetsa maiteko a lefatshe la Botswana a go nna setshaba se se rutegileng kwa morago. O ne a rotloetsa batsadi gore ba nne ba itse se se diragalelang bana ba bone ka gole gantsi ba bona go setse go diragetse. A re batsadi ba tshwanetse go tsaya maikarabelo ka bana ba bone mme ba se ikaege ka barutabana gore ke bone ba tlaa dirang tiro ya go tsenya bana ba bone mo tseleng le go ba ruta molao. Mme Setlalekgosi o ne gape a rotloetsa barutabana go tswelela ba dira ka natla ntle le dikgwetlho tse di sa ntseng di le teng jaaka letlhoko la motlakase le metsi. education 4 Mokgatlho o abela mo-na-le-bogole E tla re kgwedi eno e le masome a mabedi le borataro mokgatlho wa vision support group o abele mo-na-le –bogole setilo sa maotwana se se tla mothusang go tsamaya. Fa a bua mo potsolotsong le ba BOPA bosheng, m oeteledipele wa mokgatlho Rre Ontlametse Rampoo o supile fa e ne yare ka dingwaga tsa 2011 le 2012 bane ba ngomoga pelo fa ba bona mo-na-le-bogole yoo a tshegeditswe ke ngwana wa gagwe,yo ka nako eo a ne a tsena sekolo se se botlana kwa Mokoswane. A re bane ba botsa setshaba se se neng se le foo gore mosadi yole go diragalang ka ene fa a tshegeditswe jaana. A re one a tlhalosediwe gore Mme yo o thutswe ke Koloi makgetlho e le mabedi mme se se ba utlwisa botlhoko fela thata ka jalo ba thulanya ditlhogo go mo tswa thuso. Moetelediplele wa Mokgatlho a re bane ba tabogo lebelo ba kopa dithuso mo dikomponeng mme ka lesego kompone ya maitiso ya Ozone night club ya utlwa selelo sa bone ya ba rekela setilo sa maotwana se ba tla seabang fa kgwedi eno ele masome mabedi le borataro kwa motseng wa Mokoswana ko kgotleng. O tswelela a tlhalosa fa kompone ya Ozone night club e sa leba fela go tsaya madi a Batswana fela mme e kgatlhala ka matshelo a batho e bile e rata go abela ba ba tlhokileng Lesego mo setshabeng. Santse go le foo,o ne a tlhalosa maikaelelo a bone ele mokgatlho a re gantsi bone ba itebagantse le dilo tse HIV/AIDS le go ntse jalo a re bane ba bona go le botlhokwa go thusa ba-na-le-bogole ka gore go na le ba ba tshelang ka mogare wa HIV/AIDS. O tswelela a tlhalosa fa bane ba thusa mo-na-le bogole yo ba lebile seemo sa gagwe,ka gore one a sokodisa ngwana ka go mothusa go mo tsamaisa gape seemo sa gagwe se ne se ka ama ngwana ko dithutong ga mmogo le tlhaloganyo ya gagwe tota ka o dira tiro e sa molekanang. Mo go tse dingwe, Rre Rampoo a re ba tswa kgakala ba abela ba ba tlhokang. A re ne yare ka ngwaga wa 2009 bane ba abela monana mongwe wa motlhoki dilwana tse di lopileng makgolo a marataro a dipula ko Boseja mo Mahalapye. O supile fa mo nakong e fitileng ba setse ba kile ba abela batlhoki dilo di tshwana le ditilo tsa maotwana tse di dirisiwang ke ba-na-le-bogole,dijo le dikobo mo metseng ee farologanyeng. A re gape bane ba abela banni ba motse wa Setsile le Mokoswana diaparo,a re gape ba abetse motlhoka pono thobane ya botlhoka pono e e dirisiwang go ba supegetsa tsela. O boletse fa go tla nna le motshameko(drama) ka setlhopha sa Motsikiri youth group ko moletlong wa go aba setilo seo ka gore motshameko oo,o gasa molaetsa gape o a ruta ka dilo tse di amang matshelo a batho mo gae. A re maphata a farologanyeng a laleditswe jaaka ofisi ya Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba,ofisi ya Boipelego ya Khansele potlana ya Mahalapye le maphata a mangwe. O tlhalositse fa se ba se dirang ele mokgatlho wa vision support group se le botlhokwa ka se araba selelo sa ga Tautona sa go nna setshaba se se kutlwelo botlhoko mo go ba ba tlhokileng Lesego mo botshelong. O ne a rotloetsa morafe ka kakaretso gore mokgatlho ke oo ba o dirise ba kope dithuso fa go kgonagala batla thusiwa ka boineelo. Rre Rampoo o kgotlhaditse maloko a vision support group le botlhe ba ba nnileng le seabe mo go abelang ba ba tlhokang go tswelela ka mowa o wa bopelotlhomogi,a ba a gwetlha dikompone tse dingwe go tsaya malebela a gatelela fa seabe sa mekgatlho ya bopelotlhomogi mo setshabeng se tshwanetse go bonagala. health 6 Dikgwetlho di a tlhalefisa Morutabana wa sekole se sebotlana sa Mpiti kwa Matobo mo kgaolong potlana ya Tutume, Mme Polite Hulela, a re sekole seo se dira botoka thata mo maduong a lekwalo la bosupa fa e sale dingwaga tse tharo tse di fetileng. Mme Hulela o buile jalo kwa moletlong wa go ipelela phenyo ya maduo a lekwalo la bosupa kwa sekole seo bosheng. O boletse fa sekole sa Mpiti se tsere maemo a ntlha mo dikoleng tse di lesome le borobabobedi tse di mo kgaolong ya Nkange ntswa go ne go le thata mo go bone ka go se na motlakase mo sekoleng. A re ga ba kgone go dirisa dilo dingwe di tshwana dikhomputara le tse dingwe tse bana ba ka anywang sengwe mo go tsone mme seo ga se a ka sa ba itsa go tsweledisa toro ya bone ya go bona maduo a mantle. O ne a tlhalosa fa baithuti bao ba ngogola ba dirile sentle, mme a supa fa ba kgonne go ithekela motshine o o ntsifatsang dipampiri, ba aga ntlo e e apeelang borotho, hoko ya dikoko tsa Setswana le lefelo le go thotobolo ya matlakala. O ne a galaletsa batsadi ba Matobo, a re ba kgonne ka kemonokeng ya bone le one maduo a mantle ao. A re mo sekoleng sa Mpiti ba na le moono o le mongwe mo mongwe le mongwe mo sekoleng a itshegetseng tema ya go tlhokomela ngwana ka go mo thusa ka tse a di tlhokang, a re seo le botsadi bo a se dira ka bangwe ba tsentse letsogo go thusa baithuti ba ba tlhokang. Mongwe wa baithuti ba pele ba sekole seo, Mme Balebogi Seleke o ne a lebogela thotloetso le kemonokeng e e supilweng ke batsadi ka go ba bontsha lesedi la thuto. Mme Seleke a re tshwaragano ya batsadi le barutabana ke yone e e dirileng gore ba bo ba le dinaletsana ba kgonne go gapa sejana. O ne a kgothatsa baithuti ka ene go tlhwaafalela thuto, a bolela fa mosepele wa go ithuta o sa ntse o le moleele. BOKHUTLO education 4 Monna o fithetso a akgega mo setlhareng Monna wa dingwaga tse di masome a mane o fitlhetswe a akgega mo setlhareng maitseboa a Mosupologo kwa Dekar mo Kgaolong ya Ghanzi bokone. Mogolwane wa mapodisi kwa Ghanzi, Assistant Superintendent Modiro Lekone a re monna yoo o bonwe ke mofeti ka tsela mme a begela ba bangwe mo motseng. A re moswi o tlholega kwa Verda. Setopo sa gagwe se santse se emetswe go bonwa ke ba bongaka kwa Ghanzi mme ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. Mo go tse dingwe, Assistant Superintendent Lekone a re e ne ya re Mosupologo ka nako ya bone maitseboa mo tseleng ya Ghanzi/Grootlagte koloi ya Toyata Vits ya pitikologa, morago ga gore mokgweetsi wa yone a latlhegelwa ke taolo. O tlhalositse fa koloi eo e ne e le koloi ya setshaba (taxi) e hirisitswe. Rre Lekone a re ka lesego ga gona yo o tlhokafetseng fa rre yo mongwe a ne a bona dikgobalo tse di masisi mo tlhogong mme a ragosediwa kwa kokelong ya Marina kwa Gaborone . A re mokgweetsi wa koloi eo o ne a bona dikgobalo mo legetleng mme o santse a robaditswe kwa kokelong ya Ghanzi. Ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile kotsi. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Banana ba abela motlhoki Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Bobonong, Rre Kganya Poloko, o akgoletse banana ba mokgatlho wa Legae mowa wa bopelotlhomogi. Fa a bua kwa moletlong wa go gokelela Mme Elizabeth Maemo pompo ya metsi le go tsenya ntlo ya gagwe digalase tsa diokomela bagwe, Rre Poloko o ne a supa fa Batswana ba tshwaragane e bile ba kgathala ka ba bangwe. Rre Poloko a re puso e na le dithuso le mananeo a a lebagantsweng le go tlhabolola matshelo a Batswana. A re le fa go ntse jalo go tlhokega gore setshaba le sone se thuse puso mo tirong ya go thusa ba ba tlhokang. Rre Poloko a re se banana ba Legae Social Club ba se dirileng ke se se amogelesegang mo setshabeng mme a kopa batsadi go ba ema nokeng fa ba kopa dithuso tse di ka tlhabololang matshelo a setshaba, bogolo jang ka maloko a setlhopha seo a sa bereke gope. Modulasetilo o ne a lebogela maiteko a banana bao mme a ntshetsa setlhopha seo P300 le go solofetsa go reka dimente di le masome a mararo ene le mokhanselara wa kgaolo ya Lepokole/Borotsi go feleletsa ntlo ya ga Mme Maemo. Moanamisa mafoko wa selthopha seo, Rre Thabo Masilo, a re ba tsere tshwetso ya go thusa Mme Maemo ka seemo sa gagwe se ba utlwisa botlhoko mme ba bona go le maleba go mo tsenyetsa pompo ya metsi gammogo le go mo tsenyetsa digalase tsa matlhaba phefo. Rre Masilo a re mokgatlho wa bone o ikaelela go thusa mongwe yo o tlhokileng lesego ngwaga le ngwaga mo kgotleng ya Borotsi. Modualsetilo wa Legae, Rre Poloko Jankie, ene o tlhalositse fa ba kgonne go kgobokanya P3 500 go fetsa tiro eo, mme a supa fa maikaelelo a bone e le gore mokgatlho oo o gole o kgone go thusa mo dikarolong tse di farologaneng jaaka go tlhama dikgwebo, go thusa mo go tsa diphitlho le mo go tse dingwe tse di ka tlhabololang matshelo a setshaba. Le fa go ntse jalo moemedi wa ofisi ya mopalamente, Rre Monkemedi Dingalo, o supile fa mowa oo wa go tlhabolola matshelo a batho o le botlhokwa thata. Mokhanselara wa kgaolo eo Mme Segabo o supile fa bogologolo go ne go sena batlhoki mme botlhoki bo dirwa ke sesha a re Batswana pele ba ne ba thusana. Mme Segabo o ne a kopa maloko a setlhopha seo go inaakanya le ba lephata la Gender Affairs gore ba kgone go simolola sengwe se se ka ba solegelang molemo. society 9 Thuto ga e golelwe Mogolwane wa lekalana la thuto-ga-e-golelwe kwa kgaolong ya Borwa, Mme Gagotheko Maruping a re puso e lemogile fa go tlhabolola lefatshe go tsamaelana le go ruta setshaba. A re ke ka moo thuto e leng dingwe tse puso e neng ya di baya kwa setlhoeng mo ditlhabololong, gore go seka ga nna le ope yo o santseng a sa itse go bala le go kwala. Mme Maruping o ne a bua kwa Ditojana jaaka fa ba thuto-ga-e-golelwe ba ne ba ile go lekola banni le go buisana nabo ka dikgang tsa thuo tse di amang ga-e-golelwe. Mme Maruping a re puso e ne ya lemoga fa maiteko a yone tebang le ditlhabololo e ka nna lefela fa go santse go na le Motswana yo o tlhaelang thuto e bile e le lone lebaka la gore ngwana mongwe le mongwe a isiwe sekoleng, go bo go nne le lenaneo la thuto-ga-e-golelwe. A re lenaneo le, le thusa ba dingwaga tse di simollang mo go 19 go fitlhelela ka mogolo yo matlho a gagwe a santseng a bona sentle ga mmogo le bagolo ba ba kwa dikgaolong le masimo a re go thapiwa moruta bagolo wa nakwana kwa lefelong leo yo o kgonang go bala le go kwala. O tlhalositse fa lenaneo la bagolo le bidiwa Adult Education fa la bana e le Out of School Education for Child Policy. Mme Maruping a re lenaneo la bana le simolotswe ka 2014 mme kwa kgaolong ya Borwa la dirwa e le ditekeletso mo mafelong mangwe go balelwa Ditojana go thusa bana ba ba botlana mme ba sa kgone go tsamaya sekgala se se telele go latela dikole kwa mafelong a a mabapi. A re e ne ya re lenaneo leo le simolola kwa Ditojana, ga kwadisiwa bana ba le 32, a supa fa se, se itumedisa ka jaana e a re ba sena go sugwa e bile dingwaga tsa bone di tutugile ba kgone go ya go tsweledisa kwa dikoleng tse dingwe jaaka se sebotlana sa ga-Segwagwa, a re mme fela ga a itumedisiwe ke go utlwa go twe bana bangwe ba kgona go tsena ba tla ba tswa mo sekoleng mme a kopa batsadi go alafa seemo se ka go tlhoafalela thuto ya bana. O tlhalositse fa bana bao ba fiwa dijo tsa moso le tsa motshegare kwa sekoleng e le thulaganyo ya puso e e simologileng ka 2016 mme e thusa thata go ngokela bontsi kwa sekoleng. E rile a ntsha lefoko la kgothatso, Reverend Prince Dibeela a kgothatsa bagolo ba ba mo thuto-ga-e-golelwe le baithuti ba bangwe go tshwara ka thata gore e re isago ba ise Ditojana golo gongwe. Rev. Dibeela a re o itumeletse go bona thulaganyo eo ya tekeletso e simologa kwa Ditojana, mme a kopa banni go e tshwara ka matsetseleko gore ba seka ba tlhabisa puso ditlhong, a re keletso ya gagwe ke go bona baithuti ba ntsifala go supa kgatelo pele. politics 7 Leina Mokobeng le tswa kae Fa o tla o tswa kwa Mahalapye o tsamaela kwa botlhabatsatsi, o tsamaya dikhilomithara di le masome a supa o bo o feta ka Machaneng. Go tswa mo Machaneng o tsamaya sekgelenyana fela se e seng sa sepe se mokgweetsi a ka tsayang metsotso e e sa feteng masome a mararo a bo a feta ka Sefhare. Ka tota bontsi jwa metse ya kgaolo ya Tswapong e sa katologana mo go kalokalo, go tswa mo Sefhare o tsamaya dikhilomithara di le lesome le bosupa o bo o gorogile mo Mokobeng. Mme fa gare ga Sefhare le Mokobeng go na le metse ya Borotsi le Chadibe, metse e fa motho e le lantlha a etela kgaolo ya Tswapong a se kelotlhoko, o ka gopola gore ke motse o le mongwe ka tota yone e patagane fela. Fa o tswa mo Sefhare o ya Mokobeng ga go na tsela e nngwe gape e o ka e tsayang o sa fete metse eo. Mme gone leina le Mokobeng le tswa kae, kgotsa go ne go tewa eng? Fa o tsena ka motse oo, dingwe tsa ditsatlholego tse o ka di lemogang ntle le go botsa beng gae ke setlhare se se anameng le motse oo sa mokoba. Mme fa o se motho yo o ratang go tlhotlhomisa, o ka akanya fela gore leina le la Mokobeng le tswa gone mo setlhareng seo kante nnyaa, ga go a nna jalo. Kgosi Obert Thutwe o araba dipotso tsotlhe tse di amanang le motse o. “Ngwanaka e kgang ya gago ga e a ntekana le wena o a bona gore tlhogo ya me e santse e le ntsho mme e kgang ke e e batlang matlhogotshweu ka gore le nna ke santse ke ithuta ditso tsa motse o mo go bone,” Kgosi Thutwe a tlhapela kgang ya me diatla. Ka lerato, o ne a ya go kopanya setlhopha sa babega dikgang ba BOPA le mongwe wa mabutswapele yo a neng a mo kaya fa e le mongwe wa ba ba mmalwa ba ba santseng ba le mo botshelong ba batsadi ba bone ba ba tlogeletseng kitso ya ditso tsa Mokobeng. Ya re fela fa re tsena, ya nna ekete ke motho a sa le a letile e bile a setse a fedile pelo. Mme tota nnete ke gore re ne re tla re ole fela jaaka leru re sa rulaganya bokopano le ene. Fa a utlwa potso e re ke kopa o ntlhalosetse ka botlalo gore leina le la Mokobeng le tswa kae, Rre Seabe Mokgosi a tshega a bo a gelola dikeledi mme moragonyana a re ke tshegiswa ke boitumelo ja gore o dira tiro e ntle ya go kwala ka ditso tsa motse o gore dikokomane di tle di sale di bala nna ke iketse badimong. Rre Mokgosi a kaya fa mo nakong ya gompieno ba setse ba le babedi fela le mme mongwe ba ba nang le kitso e e botoka ya ditso tsa motse. “Se ke tlaa se go bolelelang ngwana-wa-ngwanake ke se le nna ke se boleletsweng ke mme le nkuku ka gore nna tota fa bontsi ja dilo bo diragala ke ne ke ise ke nne teng fa gongwe ke ise ke tlhalefe,” ga bua Rre Mokgosi yo o dingwaga tse di masome a robangbobedi le borobabobedi. “Gatwe go ne go na le monna a bidiwa Matloane a tswa kwa lefelong lengwe le bidiwa Bobididi kwa Aferika Borwa mme a tla a thibelela fa godimo ga thaba e le lekoko la gagwe le a neng a tla a le goga kwa pele” Rre Mokgosi a bua a supa thaba e e gaufi le motse oo ka monwana. A re gatwe batho bao ba ne ba nna foo ka lobaka mme ya re ka lengwe la malatsi ga tla monna mongwe a tswa kwa mokwena a bidiwa Motlhabankwe mme a nna nabo foo. “Fa ba tlhalosa ba re e ne e le ka dingwaga tsa bo 18 tse ke ka sekeng ke di tlhomamise sentle ga mmogo le maina a borre ba babedi bao ka botlalo,” Rre Mokgosi a bolela. O ne a tswelela a re gatwe batho bao ba ne ba nna foo mme ba simolola go ntsifala ka bonya ka bonya. A re gatwe e rile go boneng palo ya batho e ntse e tsweletse ka go golela pele, morafe wa gakololana gore a go nne le motho yo o ba etelelang pele. Rre Mokgosi a re Matloane o ne a re ke ene moeteledipele ka gore ke ene yo o neng a tla a eteletse batho pele fa ba tla go thibelela foo mme morafe wa dumalana le ene. Mo letlhakoreng le lengwe, Motlhabankwe gatwe a ema a le nosi a re ke ene moeteledipele ka gore ke ene yo motona ka dingwaga mo bathong botlhe ba ba neng ba le foo. Gatwe kgang e, e ne ya tsosa kgaruru mme lekoko la ga Matloane la tswa ka mogopolo wa go koba Motlhabankwe. Rre Mokgosi o boletse gore batho ba ne ba dumalana le mogopolo oo ka bongwefela jwa pelo mme ga tsoga modumo o mogolo mongwe le mongwe e le yo o reng ‘a re mo kobeng, mo kobeng, ee mo kobeng, ga re mo itse.’ A re gatwe e rile modumo oo o ntse o tsweletse ga tla monna mongwe yo tota a neng a le mo ditseleng tsa gagwe fela a bidiwa Tshekedi go tswa kwa ga Mmangwato mme a rolelwa kgang e e neng e tsositse modumo e. Rre Mokgosi a re go bolelwa gore e rile Tshekedi a sena go utlwa kgang ya bone a kopa Matloane gore a kgang e nne modiga a tlogele Motlhabankwe a ba etelele ka a le motona. O tsweletse ka gore gatwe modumo o ne wa gakala ka lebaka morafe o supa fa o sa batle Motlhabankwe mme phelelong Matloane a dira se Tshekedi a neng a se mo kopa, a letlelela Motlhabankwe go ba etelela pele. Mme go tlhalosiwa fa morafe o ne wa sala o le bete se molangwana ka tshwetso e ka jalo ya re Tshekedi a sena go tsamaya ba bo ba sala ba bitsa lefelo leo ba re Mokobeng, go tewa gore kobang Motlhabankwe ka gore ga re mmatle. Rre Mokgosi a re ke ka moo le jaana motse o bidiwang Mokobeng e bile o na le dikgotlana tse di bidiwang Matloane le Motlhabankwe gareng ga tse dingwe. society 9 Puo e tshwanetse go sirelediwa Mothusa kgosi ya Shoshong, Kgosi Sejabosigo Ntsaga a re Batswana ba tshwanetse go sireletsa puo ya bone gore e seka ya nyelela. Kgosi Ntsaga o buile se kwa moletlong wa ngwao wa Bollapela kwa masimong a Mahutagane kwa Shoshong ka mafelo a beke. A re puo ke bontlhabongwe jwa ngwao mme e tshwanete go tsosiwa, ya rotloediwa gore e seka ya nyelela, ka e bile go na le merafe e le mentsi mo lefatsheng leno. O ne a tlhalosa gore puo ke selo se se kgonang go tsamaya motlhofo mme Batswana ba tshwanetse go itse gore puo ke seipone mme ba tshwanetse go e sireletsa. Kgosi Ntsaga a re Batswana ba tswanetse go ipelafatsa ka puo ya bone, a tlatsa ka gore ke tshenolo ya dikakanyo le ditsamaiso tsa matshelo a bone. A re puso ke sefalana sa ngwao, mme ka jalo Batswana ba tshwanetse go ipatla fa ba leng teng gore a ba ntse ba mo tseleng ya go boloka puo le ngwao ya bone. A re Batswana ba tshwanetse gape go itshekatsheka gore a mme mo dinakong tsa gompieno ba sa ntse ba tshegeditse ngwao, bogolo jang thata tiriso ya diane tse ka tsone puo ya Setswana e di humileng. A re diane ke tsone thanodi ya gore Motswana ke mang e bile o ya kae. A re diane di a ruta, di a gomotsa, di a kgalema gape di a laya. Kgosi Ntsaga a re puo ke selo se se nyelelang motlhofo e bile ka Batswana malatsing ano ba tlotlile sekgowa thata, Setswana se ka nyelela. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Oscar Mosielele wa Moshupa le ene o ne a tlhalosa fa puo e le sekao sa batho mme ka jalo e tshwanetse go babalelwa. Kgosi Mosielele a re Batswana ba tshwanetswe ke go ema ka dinao ba baakanya dilo di ise di ye masweng , ka gore mo malatsing ano o ftlhela ngwao le puo ya Batswana di itsewe di supiwa thata ke batho ba ba tswang kwa ntle. O ne a kopa batsaya karolo ba moletlo o go ema ka dinao go ruta bana puo le dingwao tsa bone gore di seka tsa nyelela. A re puo e aga motho mme ka jalo e tshwanetse go rotloediwa. Mopalamente wa kgaolo, Rre Dikgang Makgalemele o ne a leboga barulaganyi ba moletlo o, go bo ba bone go le botlhokwa go dira moletlo wa ngwao gore e seka ya nyelela. Rre Makgalemele a re meletlo ya go nna jaana, e rekisa kgaolo ya Shoshong, e bile e oka bagwebi go tla go bona gore kgaolo ya bone e na le eng se se tlhamang ditiro ga mmogo le go e tlhabolola. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Ba itumeletse bo Omang Bazezuru ba Mandunyane ba kgotla ya Maseka ba boletse fa ba itumetse e bile ba akgola puso go bo e dirile thulaganyo ya gore ba fiwe dikarata tsa Omang. Mo potsolotsong bosheng, mogolwane wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mandunyane, Rre Samuel Moturiti o supile fa bontsi jwa Bazezuru ba sa bolo go tla mo lefatsheng leno ka 1952 mme a re le ntswa ba sa bolo go thibelela mono, go ne go sa kgonege gore ba ka fiwa dikarata tsa Omang ka mabaka a a farologaneng. A re ba ne ba ikuela mme puso ya reetsa selelo sa bone ka jalo ga dirwa dipatlisiso le ditshekatsheko tse di maleba mme ba felela ba filwe dikarata tseo. Rre Mutoriti o supile fa mo nakong eno, bontsi jwa bone, bogolo jang banana ba ba lekaneng go tsweledisa dithuto tsa bone kwa dikolong tsa ithutelo tiro ba setse ba filwe dikarata tseo. A re Omang o botlhokwa thata mo matshelong a bone e bile o dirile pharologanyo ka e rile pele ga ba mo fiwa, ba bo ba lebanwe ke dikgwetlho ka jaana ba ne ba sa kgone go bona dithuso di akaretsa tsa botsogo le tse dingwe ka go farologana. O supile fa ba ne ba na le kgatlhego ya go ikopela mananeo a puso ka go farologana le gone go nna le seabe mo ditirong tse di ka tlhabololang lefatshe leno mme sebe sa phiri e le letlhoko la Omang. Rre Mutoriti a re botshelo bo fetogile ka jaana ba setse ba kgona go akola ditlamelo di akaretsa kalafi le thuto ya bana ntle le dituelo dipe. O boletse fa bangwe Bazezuru ba setse ba amogetse dithuso tsa nyeletso lehuma di akaretsa ditshingwana tsa merogo le tse dingwe. A re bangwe banana ba supile kgatlhego mo mananeong a a farologaneng a banana mme ba setse ba ikopetse dithuso tsa madi go simolola dikgwebo. Go sale foo, Rre Mutoriti a re le ntswa morafe wa Bazezuru o itsege ka go itirela ka diatla ka go dirisa didirisiwa di akaretsa disenke le dipolanka go dira dikgamelo le ditafole, seemo se setse se ba ketefalela. A re kwelo tlase ya theko ya dithoto tsa bone le ditlhwatlhwa tse di golelang pele tsa didirisiwa tse ba di tlhokang di tsweletse ka go ama dikgwebo tsa bone ka tsela e e sa siamang. Rre Mutoriti a re tsholofelo ke gore jaaka ba setse ba na le dikarata tsa Omang, ba tla ikopanya le diofisi tse di maleba go kopa kemo nokeng. A re seo se ka thusa go atolosa dikgwebo tsa bone le gone go bona didirisiwa tsa boleng jo bo rileng gore ba dire dithoto tse di kgatlhisang. BOKHUTLO politics 7 Dikgang tsa bogosi di masisi Mma-Kgosi wa Batawana, Mme Moremi o kopile Batawana go bua dikgang tsa bogosi ka kelotlhoko ka jaana di le masisi. A re fa dikgang tsa bogosi di ka tlontlolola morafe fa batho ba sa di ele tlhoko ka di ka tsala ditsheko. O buile jalo kwa kgotleng kgolo jaaka morafe o ne o tsile go tla go rolelwa ke ba bogosi ka kgang ya go kaba phatlha ya mothusa kgosi e e neng ya bulega ngogola morago ga loso lwa ga Kgosi Pitsoyabosigo Moremi. A re fa ba bua ka bogodi ba tswanetse ba bua dikgang tse di agang ntlo ya ga Moremi le Letsholathebe e seng dipuo tse di ka ba tsenyang mohoholela. Bangwe ba ba-tsena phutego eo ba ne ba le sebete se molanwagana ka leina la ga Rre Pringle Dithapo yo o tlhophilweng ke marara gore o ka thusa kgosi kgolo. Ba ne ba batla ditlhaloso tsa gore o tsena jang mo tsamaisong ya bogosi ka jaana magosi a pele a na le bana ba ba ka neelwang phatlha ya mothusa kgosi. Dipuo di ne tsa nna mafaratlhatlha ka bangwe ba ne ba lela ka gore motshwarelela kgosi kgolo, Kgosi Kealetile Moremi le marara ga ba a dira morero o o lekaneng. Ba re ba dumela fa moswi Pitsoyabosigo Moremi le lelwapa la ga Kgosi Mathiba ba na le bana ba ba ka dirang tiro. Kgang e ne ya kukediwa ke bangwe ba dikgosana ka jaana go supagala fa bone ba sa rerisiwa go le pele ka tshwetso ya bogosi mme dipotso tsa bone le tsone tsa nna matsorotsoro di latela ke tsa morafe ke ka jalo mmakgosi a neng a ema a gakolola morafe. Mma-Kgosi o ne a lemotsha morafe gore fa borara bo thulantse ditlhogo ke sesupo sa gore ba setse tsamaiso morago. A re go supa gore ba sekaseke pele ga ba ka tsaya tshwetso e e maleba. E ne e rile go le pele a rola kgang, motshwarelela kgosi kgolo, Kgosi Kealetile Moremi a tlhalosa fa borara bo ne jwa kopana mme jwa dumalana ka bongwefela jwa pelo go tlhopha Rre Pringle Dithapo go kaba phatlha ya mothusa kgosi. A re tshwetso eo e dirilwe morago ga tshekatsheko e e tseneletseng ka jaana maina a ne a tswa a le marataro mme kwa phelelong Rre Dithapo a tlhophiwa. A re ba ne gape ba dira jalo ba lebeletse molao wa bogosi o o fang kgosi dithata tsa go tlhopha yo o ka mo thusang mme morago a rerise morafe ka tshwetso ya gagwe pele ga leina le ka isiwa kwa pele. Kgosi Charles Letsholathebe o ne a supa fa se ba se dirileng ba sa fapoga tsamaiso gope a tlatsa kak gore le ka nako ya ga moswi Pitsoyabosigo ba dirile fela jalo. A re ga a gopole ka nako epe morafe o botsolosa ka ditso tsa bogosi gore mang o tsena jang fa go rileng mme a kopa morafe go wela dibete ka ba tsere dikgato tsotlhe tse di maleba. A re bogosi jwa goo-Tawana bo ntse bo melediwa mathe ke merafe e mengwe mme a kopa morafe go boela morago mafoko a a ka tsosang modumo. “lo seka lwa re tsenya mo bogosing jo bo lwelwang ka jaana re gata mo dikgatong tsa boraarona”. Kgosi Letsholathebe o ba kopile gore ba seka ba senya tsamaiso ya motheo ya bogosi. Kgosi Dingalo wa Shorobe o ne a tshwaela ka gore morero o lekane a supa fa go tsere nako gore ba kabe phatlha eo ka jaana ba ne ba dira ditshekatsheko. A re malwapa otlhe a bogosi a a maleba go rerisantswe le one mme ba itoka fa ba ka se kgone. Morago ga ditlhaloso tseo morafe o ne wa amogela leina la ga Rre Dithapo ka diatla tsoopedi. BOKHUTLO society 9 Maitlamo, tshwaragano, boitsholo konokono Mothusa mmatoropo wa Lobatse, Rre Francis Mokwena a re maitlamo, boitshoko, bopelotelele, tshwaragano ya komiti ya batsadi le barutabana le boitsholo jo bontle jwa baithuti ke konokono mo go ntsheng maduo a a kgatlhisang mo dikoleng. Rre Mokwena, yo o simolotseng tiro ya gagwe e le morutabana, o buile mafoko ao bosheng kwa Vaalhoek, mo letsatsing la go ipelela phenyo ya maduo a baithuti ba lokwalo lwa bosupa a ngogola. Ipelo eo, e ne gape e lebagane le kaloso ya dialogane tse di yang go dira lokwalo lwa ntlha, kabo dimpho le ipelelo dingwaga tse di masome a mane sekole sa Vaalhoek se ntse se le teng. Mothusa mmatoropo wa Lobatse o kaile fa tshwaragano le therisanyo ya ba-tsaya karolo botlhe, e ka thusa mo go tseeng ditshwetso tse di maleba mo dikgannyeng tse di amang thuto le gone go bopa le go betlela tsela dikokomane tse di tlang. A re puso e tseela thuto kwa godimo, ka jalo e tlhomile kwa pele tshwaragano le go gwetlha go kopanela kgodiso ya bana le batsadi, ba-na-le seabe, maphata a a tlhokomelang bana, ba boipelego, bagakolodi le ba tshidilo maikutlo. Rre Mokwena o ne a bolela fa go itumedisa go bo se sekole se sebotlana sa Vaalhoek, se se leng kgakala le ditlamelo se tsweletse ka go tsabakela mo maduong a lokwalo lwa bosupa, go simolola ka ngwaga wa 2015, ka go gaisa dikole tsotlhe tse di mo Kgalagadi borwa, mme ngwaga o o fetileng sa dira go tlala ka diatla ka se bone maduo a 100 per cent ka go gaisa dikole tsotlhe tse di mo Kgalagadi, ka ntlha ya maitlamo a barutabana le batsadi le maitsholo a mantle a baithuti. O ne a gwetlha dikole tse dingwe go tsaya malebela mo sekoleng seo, ka seo se ka thusa thata mo tokofatsong ya maduo mo dikoleng tsa bone. O ne a phophotha legetla barutabana ba sekole seo, ka tiro e ntle e ba e dirang le gone go lemoga seabe sa barutabana ba pele mo sekoleng seo, ka go tlhagolela baithuti tsela le go isa serodumo sa thuto kwa godimo mo sekoleng seo. Fa a bua le baithuti, o ne a bolela fa go fetsa lokwalo lwa bosupa e le tshimologo ya loeto, mme ba tshwanetse go itoma molomo wa tlase ka go tlhwaafalela dithuto tsa bone, ka seo se ka thusa mo go ipetleleng bokamoso jo bo siameng mo isagong. Fa a amogela baeng, mogokgo wa sekole sa Vaalhoek, Mme Nametso Gaelebale o ne a tlhalosa fa letsatsi leo e le go itumelela maduo a mantle a sekolo seo, gammogo le leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo go iseng kwa godimo maduo a sekole seo, ka ntlha ya tshwaragano le maitlamo a batsadi le barutabana le setshaba kakaretso mo motseng oo. Mme Gaelebale o boletse fa baithuti mo sekoleng seo monongwaga ba le lekgolo masome a mararo le borataro, go simolola ka mophato wa Reception Class go fitlha ka lokwalo lwa bosupa le barutabana ba le lesome le bongwe. O kaile fa gape ba tiisiwa moko ke ba lephata la thuto ka go ba atswa ka madi le dikopi, e le tsela nngwe ya go ba rotloetsa. O ne a leboga mongwe wa barutabana, Rre Boago Sebobi go tswa sekoleng sa Maralaleng, yo o itlamileng go rotloetsa dikole tse di akaretsang Bokspits, Rapplespan, Vaalhoek le Struizendam (BORAVAST) ka dikopi tse di fapaanelwang go ya ka fa sekole se gaisitseng tse dingwe ka teng. Mo mafokong a gagwe, Rre Sebobi o kaile fa kabo ya dikopi tse di gaisanelwang tseo go tswa mo boteng jwa pelo ya gagwe, mme e le tsela nngwe ya go rotloetsa baithuti go tsenya marapo dinameng mo dithutong tsa bone. Kgosi Marea Bok wa motse oo, a re sekole seo se simologile morago ga gore ba lemoge fa bana ba tsamaya sekgala se se leele go ya kwa sekoleng kwa Bokspits mme ene le ba bangwe ba aga matlo a borutelo ka boithaopo ka 1975, mme morago ba kopa go agelwa sekole ke puso ka ngwaga wa 1977. Kgosi Bok o ne a leboga le go galaletsa morafe wa gagwe, go nna le mowa wa boithaopo, tshwaragano, therisanyo le kutlwano tse di tsweletseng ka go rena mo motseng wa gagwe. E bile e le tsone di ba kgontshitseng gore ngwaga ono ba bo ba ipelela dingwaga tse di masome a mane sekole seo se ntse se le teng. Mo mafokong a gagwe a kgothatso, mogokgo wa sekole se segolwane sa Kgolagano, Rre Alphius Ramotsababa o ne a gwetlha batsadi go tsaya boikarabelo mo tlhokomelong ya bana. O kaile fa batsadi bangwe ba na le mokgwa wa go itlhokomolosa bana, mme ba beye mokgoleo otlhe fela mo barutabaneng morago ga go amogelwa ga bana go dira mophato wa ntlha kwa sekoleng seo. Rre Ramotsababa o ikaile fa go tlhoka tlhokomelo le kemo nokeng ya batsadi mo baneng kwa dikoleng, go na le seabe se sentsi mo bo-tlhoka tsebeng jwa bana, jo bo akaretsang go utswela ba bangwe dilwana kana madi le gone go tsena mo go tsa marato ba lebile gore ba ka neelwa sengwe le sengwe se ba se tlhokang. Baithuti ba ba dirileng sentle mo dithutong le barutabanana ba ne ba abelwa dimpho le ditlankana e le tsela ya gore ba tswelele ba dira ka natla. BOKHUTLO education 4 Mopalamente o rotloetsa bophepa mo kgaolong Banni ba Kokotsha kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba galaleditse dikgaisano tsa mabelo a dipitse tse di tshwarwang ngwaga le ngwaga ba re di ka tokofatsa matshelo a bone . Mothusa modulasetilo wa komiti e e tsamaisang dikgaisano, Rre David Titus, o tlhalositse mo potsolotsong fa mabelo ao a simologile ka 1984, e le tsela nngwe ya go tlosa banni bodutu bogolo jang ka malatsi a boipuso, keresemose le ngwaga o mosha. A re e ne ya re morago ba lemoga fa e ka nna dikgaisano tse banni ba ka tlhabololang motse le go tokafatsa matshelo a bone ka tsone. Rre Titus a re dikgaisano tsa monongwaga di tsamaile sentle fa go tshwantshwangwa le tsa ngwaga oo fetileng ka di ne di tshologetswe ke bontsi jwa batho tsa bo tsa bulwa semmuso ke Mothusa Tautona, Rre Siumber Tsogwane. A re dipitse tsa letsopa la Tswana, Through le Cross breed di le masome a ferabongwe go tswa Churleshill, Takatokwane, Motokwe le Jwaneng di ne di gaisanela mabelo a a farologaneng. Rre Titus a re ba ikaelela go itoma molomo wa tlase ngwaga o o tlang, go baakanya lebala, go aga ntlwana ya fa go duelelwang teng le mabante a a supang ba ba duetseng. O supile fa bontlha bongwe jwa madi a ba a dirileng mo dikgaisanong a thusa mo ditlhabololong tsa motse le gore maikaelelo magolo a bone ke go agela banni ba ba tlhokileng lesego. Rre Titus o kopile kemo nokeng a re ga ntsi ba thusiwa ke lephata la banana le ngwao ga mmogo le lekgotla la BALA. Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Kokotsha, Mme Mpelegang Mphuthele o tlhalositse fa mabelo a dirile diphetogo mo matshelong a banni ba motse oo. A re bontsi bo itshetsa ka temo le go rekisa maungo a naga. Mme Mphuthele a re komiti ya ditlhabololo tsa motse e tshwaraganye le kgosi, mokhanselara le komiti e e tsamaisang dikgaisano ba tlhomamisa gore mongwe le mongwe a obe letsogo mo go tsone ka go ba rekisetsa metlaagana ka go hapaana ngwaga le ngwaga. Mongwe wa bagwebi, Mme Kentsenao Thumpe o itumeletse dikgaisano, a tlhalosa fa kgwebo ya gagwe e ne ya tsamaya sentle. O ngongoregile ka bomaipaafela ba ba neng ba rekisetsa kwa ntle ga lebala ba sena diteseletso mme a kopa komiti go baya seo leitlho mo nakong ee tlang. Mookamela mapodisi a Werda, Superintendent Mompoloki Ramatsia o supile fa dikgaisano di tsamaile sentle ka go ne go sena sepe se se hatlhang jaaka dikotsi le borukutlhi. A re bakgweetsi le setshaba ba ne ba dirisana sentle le mapodisi fa beng ba marekisetso a bojalwa ka ba ne ba obamela dinako tsa go bula le go tswala. health 6 Go dira ka thata go a duela Go bolelwa fa thuto e le sedirisiwa se se botlhokwa thata mo botshelong ka e ka betlela motho botshelo jo bo siameng. E rile a bua kwa moletlong wa kabo dimpho wa sekole se se botlana sa motse wa Letsholathebe kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, mothusa mookamela mapodisi a Masunga, Assistant Superintendent Boitshepo Kaisara a gwetlha baithuti go tlhoafalela thuto ya bone gonne mo metlheng eno gore motho a bone tiro e e ka mo fang dikatso tse di botoka tse di ka mo thusang go itepatepanya le diemo tsa botshelo, o tshwanelwa ke gore a bo a iteilwe seatla mo go bonalang. Assistant Superintendent Kaisara a re ba ka kgona fela fa ba simolola go dira ka thata ba sale ba botlana. A re baithuti ba tshwanetse ba itse fa motho yo o senang thuto, e le moka a senang sa gagwe mo botshelong. O tsweletse a bolela fa thuto e le yone e e fang motho lesedi le kitso ya go dira dilo ka go farologana mme ele ka fa go tshwanetseng. O tsweletse a kopa batsadi go nna ba sekaseka tiro ya bana ya sekole gore kgone go itse gore ba tsweletse jang mo dithutong tsa bone ka go dira jalo go ka thusa gore bana ba dire sentle fela thata mo dithutong tsa bone. Mogolwane yoo wa sepodisi o abetse sekole sa Letsholathebe dipula di le makgolo a le matlhano go dirisiwa mo tsamaisong ya letsatsi le letsatsi ya sekole seo. Mogokgo wa sekole seo, Mme Kemoneilwe Majoko o gwetlhile batsadi le barutabana go tshwaraganela go ruta bana boitsholo jo bo amogelesegang. O boletse gore seo se ka dira gore tikologo ya sekole e nne e e siameng e bile e itumedisa baithuti gammogo le barutabana. Mme Majoko a re sekole sa bone se dirile sentle mo dingwageng tse pedi tse di fetileng ka go ntsha 67% ka 2012 fa ka 2013 ba bone 89.9%. A re mme ka fa ba neng ba ipapanne ka teng monongwaga, ba ipeetse seelo sa 95% mme e bile o na le tshepo ya gore ba tla a se fitlhelela. Le fa go ntse jalo, mogokgo a re o tshwenngwa ke gore sekole sa bone se tlhaelelwa ke ditlamelo di le mmalwa tse a tlhalositseng di na le seabe mo go folodiseng maiteko a bone a go gatela pele mo go ntsheng maduo a a itumedisang. Fa a ntsha lefoko la kgothatso, mogolwane wa tsa bogakolodi go tswa mo komponeng ya I-Six Logistics, Rre Pangaman Kaisara o boletse fa go le botlhokwa gore morutabana, moithuti le motsadi mongwe le mongwe a itse boikarabelo jwa gagwe mo thutong. Rre Kaisara a re go ka nna molemo fela thata fa boraro joo, bo ka bereka bo le seopo sengwe gore baithuti ba fitlhelele thuto ya boleng jo bo kwa godimo, jo bo ka thusang mo tswelelopeleng ya bokamoso jwa lefatshe leno. Moletlo oo o ne o tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng ‘Go dira ka thata go a duela’. education 4 Monana a ikanya thekiso ya dijo E re ka gotwe phokoje go tshela yo o dithetsenyana, monana mongwe kwa Tlokweng o itshetsa ka kgwebo ya dijo. Rre Moses Thokwane, yo o tlwaelesegileng ka leina la Jabu, o dira kgwebo e e bidiwang Jabu’s Food Express. Fa a bua mo potsolosong le BOPA, Rre Thokwane o tlhalositse fa a simolotse kgwebo ya gagwe ngogola morago ga go tlogela tiro. A re o simolotse kgwebo go le thata ya lentswe mme ka thotloetso ya ditsala tsa gagwe a seka a ineela. “Ke simolotse ke dira ka kiribane, batho bangwe ba ne ba nkgoelela mme ka kgothadiwa ke mme mongwe a nthaya a re kiribana e e ta tsoga e ntheketse koloi,” ga tlhalosa Rre Thokwane. O ne a tswelela a tlhalosa fa e rile go tswa mo kiribaneng eo, kgwebo ya gagwe ya tlhatloga mme a kgona go reka kolotsana ee rekisetsang dijo. A re kgwebo ya gagwe e kgonne go bonala morago ga go thusiwa ke Rre Maatla Basha, ka go anamisa kgwebo ya gagwe mo maranyaneng a Internet. “Kgwebo yame e dira sentle mo nakong ya gompieno ka jaana ke kgonne go hira babereki ba le bararo. Ke kgonne gape le go reka koloi e nthusang go tsamaisa kgwebo yame,” ga bua Rre Thokwane. O boletse gore o simolotse ka madi a tswang mo pateng ya gagwe, mme mo nakong ya gompieno a letile go bona dithuso tsa madi go tswa ko lephateng la banana gore a e atolose. Ka jaana kgwebo le dikgwetlho ele di ya thoteng, Rre Thokwane le ene o kopane le le dikgwetlho mo kgwebong ya gagwe, jaaka go rutuntsha babereki ba gagwe ka go thusa bareki. Le fa go ntse jalo, Rre Thokwane a re ga a kitla a boela kwa morago ka jaana a ikiteile sehuba go fitlhelela toro ya gagwe ya go tsamaisa kgwebo ya dijo. O ne a tlhalosa fa a rotloetsa monana yo o ising a bone tiro go ema ka dinao a sa tlhabiwe ke ditlhong, go simolola kgwebo ka e le yone tsela ya go tswa mo lehumeng. A re seo gape se ka thusa puso go lwantsha letlhoko la ditiro ka jaana fa banana ba tsena mo go tsa dikgwebo ba ka nna le sebaka sa go hira ba bangwe. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Leburu a re go tsofala yo o ratang Mme Tebelelo Leburu, 82, wa kgotla ya Kgosing kwa Sehithwa o kaile fa bogodi bo sa itse ope go iphataphatela. E rile mo potsolotsong le BOPA bosheng, Mme Leburu a tlhalosa fa a itshetsa ka dithupana tsa morogo wa rape mme e bile ba lelapa la gagwe ba ka seke ba lala ka tlala. “Ke fiwa dithupana tsa morogo ke ngwanake yo e leng morekisi wa tlhwatlhwa wa morogo kwa Maun. Go le pele ke ne ke dirisa dithupana tse go jesa dipudi kana ke efa bafeti ka tsela, mme pheletsong ka lemoga fa di le botlhokwa e bile nka dira seshabo ka tsone,” Mme Leuru a latlhela. E rile a lemoga fa dithupana tse tsa morogo di ka mo tswa mosola e bile di ka fokotsa theko ya nama mo lapeng, mme Leburu a simolola go segelela, go anega le go ipolokela dithupana tsa morogo ka 2016. O kaile fa se, se sa tlwaelesega ka bontsi bo nna bo latlha dithupana tse ba sa itse mosola wa tsone. O tlhalosa gore botlhale jo, bo ne jwa mo inola mo lehumeng ka e bile ga a di direle go ja fela, o kgona go rekisa morogo wa tsone mo motseng. O supile fa a rekisa kopi P5 mme e bile batho mo Sehithwa ba o itumelela e bile ba o rata. Mme Leburu o kaile gore dithupana tse tsa morogo wa rape fa di sena go oma, o tlhadia morogo wa tsone go ka nna ga raro, a bo a o apaya ka setokana sa nama go fitlhelela o butswa a bo a tshela mafura le letswai a bo a dira loswao. O supile fa seshabo se, tatso ya sone e le monate. Leswana le letona o le rekisa P5 mme o kaile fa bareki ba gagwe ba ne ba mo rotloetsa go apaya borotho jwa magala gore ba shabele ka morogo. Mme Leburu o tlhalositse fa mo medirong jaaka manyalo, a phutha matlhare a cabbage mme a o segelele a bo a omisa gore a kgone go o apaya mo nakong e e tlang. O kaile fa se e le tsela nngwe ya go boloka. Mme Leburu o rotloeditse bangwe ka ene gore ba se ka ba itsapela go itirela mo botshelo. Gangwe le gape, o kopile goromente go sekegela bagodi segolo bogolo batlhoki tsebe, ka go ba fa maneneo a a maleba a ba ka itshetsang ka one. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Mabogo dinku a a thebana Mokwaledi mo lephateng la dipalamo le ditlhaeletsano, Mme Goitsemang Morekisi, a re nako e fitlhile ya gore Batswana ba tsosolose mowa wa bo ja mmogo. Mme Morekisi o buile sebosheng fa lephata la gagwe le ne le abela Rre Quararea Xao ntlo kwa D'Kar mo kgaolong ya Ghanzi. A re Batswana ke batho ba le bogologolo ba neng ba kgona go thusana, mme a re ba tshwanetse ba tsosolosa serodumo seo mme ba diragatse matshego a Tebelopele ya 2016. Ntlo e ne e agiwa ke lekalana la tsa dipalamo tsa puso mo lephateng la dipalamo le ditlhaeletsano, ka thuso ya makalana a mangwe mo lephateng ka kakaretso. Mme Morekisi o ne a ba galaleletsa tiro e ba e dirileng ka jaana ba file boora Xao seriti. Mme Morekisi a re puso e dumela mo go tokafatseng matshelo a Batswana ka go thusa ba ba sa kgoneng le go ba fa mananeo a go ka itshetsa go ka fetola le go tokafatsa seemo sa bone sa botshelo. A re go nametsa pelo go bona ba-na-le-seabe go tswa mo pusong, mo go ba ba ikemetseng ka nosi le setshaba sotlhe go bo ba eme ka dinao go thusa segolo bogolo go agela ba ba tlhokang. E re go ntse jalo, Rre Augus Malefo, mogolwane kwa lekalaneng la tsa dipalamo tsa puso, o tlhalositse ka fa go tsamaileng ka teng go fitlha gore ba abele boora Xao ntlo. Rre Malefo a re e ne ya re ngogola ka 2014 ba feta ka kgaolo ya Ghanzi ba le mo loetong go tswa Mohembo kwa ba neng ba ile go abela lelwapa lengwe dimpho. Ba ne ba kopana le seemo sa goora Xao e se se se itumedisang gotlhelele ka jalo ba tsiboga. Rre Malefo a re ba ne ba simolola ka go aba mophuthelo wa matsatsi a botsalo jwa Morena e le diaparo le dijo; ka jaana ba ne ba lemoga fa lelwapa lwa goora Xao le sena go ka itumela le batho. Mme a re e rile go ntse go ya ba bona go le maleba go aga ntlo; ka jaana boora Xao ba ne ba nna mo lejorong le ba neng ba nna mo go lone ba le masome a mabedi le bosupa; mme ruri se sa jese diwelang. Go ya ka Mme Morekisi lephata la gagwe le setse le abile dithoto di tshwana le tsa maranyane kwa dikoleng, dijo le diaparo mo mafelong a a farologaneng’ ba setse e bile ba phepafaditse tikologo e le gone go tshegetsa matshego a tebelo pele ya setshaba. Mme Morekisi a re lephata la gagwe le setse le agile la bo la aba yone ntlo e e mo DKar ya goorra Xao; mme a tlhalosa gore ntlo e nngwe e a agiwa kwa Francistown le kwa Khawa. society 9 Bomme ba kgothadiwa go tshwara ka thata Bomme ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba kgothaditswe go tswelela ba tshwere ka thata mo dikgwebong tsa bone ka jaana malwapa a le mantsi mo Botswana a eteletswe pele ke bone. Seo se builwe ke mogolwane wa lekalana la merero ya tsa bong, mo lephateng la pereko le selegae, Mme Poloko Sethono kwa thutothutanong e e neng e rulagantswe ke lephata leo mo Fracistown ka Labobedi. Mme Sethono a re o lemogile gore bomme ke bone gape ba ba rweleng boikarabelo jo bogolo mabapi le go tshetsa ba ba ikaegileng ka bone. O tlhalositse gore dipalo di supile fa dikgwebo tsa bomme di feta masome a marataro mo lekgolong, a tlatsa ka gore se se raya gore dikgwebo tsa bomme di botlhokwa mo itsholelong ya lefatshe leno. Mme Sethono a re dikgwebo tsa bomme di gola ngwaga le ngwaga a re ba simolotse ka bagwebi ba le lekgolo, mme gompieno ba bua ka ba le lekgolo le sephatlo. A re go botlhokwa go lemoga fa maiteko a puso a tsweletse go leka go nonotsha bomme mo mebarakeng. Mme Sethono o supile fa lephata la tsa kgwebo, le e fa bomme, banana, banalebogole seemo se se kgethegileng fa go tla mo dithekong tsa puso. O bile a re le fa ntswa puso e dira maiteko a magolo jaana, go sa ntse go na le dikgwetho tse ba tshwanetseng ba di lwantsha, mme ka maswabi go na le dipego tsa gore bangwe ga ba dirise madi a ba a filweng sentle, fa bangwe ba ba mo ditlhopheng ba simolola dintwa fela jaaka madi a tsena kwa bankeng. Mme Sethono o ba tsibositse gore puso ga e kake ya emela tlhoka boikarabelo e e kana, mme ba ba dirang bosutlha le bosula jo, ba tlaa tseelwa dikgato tse di gagametseng. O tlhalositse gore motlapele a re “motlhoka sa gagwe ke moka a suleng’’ ka jalo o ba gwetlhile gore ba tlhwaafalele maiteko a puso mo go buseletseng seriti sa bone, ka jaana lehuma le diga motho seriti. economy_business_and_finance 3 Kgetsi o ithaopela ba-na-le bogole Ammaaruri Motswana o iteile kgomo lonaka fa a re kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. Se se dirwa ke Rre Morgan Kgetsi wa dingwaga tse di masome a mane le bone wa Mochudi mo kgaolong ya Kgatleng, yo o nang le kgwebo ya madirelo a moriri yo o ithaopetseng go beola bana ba ba tshelang ka bogole ba sekole se segolwane sa Linchwe a sa lope dituelo dipe mo go bone e le tsela ya go pataganela go godisa bana bao le barutabana le batsadi. O boletse fa kgwebo eo, a e simolotse dingwaga tse di fetileng mme e bile a thapile banana ba le botlhano a supa fa esale a simolola go ithaopela bana ba sekole seo ka ngwaga wa 1994 a kaya fa kgwebo ya gagwe e setse e godile fela thata. A re o dumela gore mowa wa boithaopo ke one o o thusang gore kgwebo ya gagwe e gole,o boletse mo potsolosong le BOPA gore o gwetlhilwe ke go bona bontsi jwa bana bao e leng batlhoka pono e bile ba nna mo sekoleng mme ba le pharologanyo le bana ba bangwe mo ditlhogong. A re morago ga moo,o ne a ikgolaganya le bagolwane ba sekole seo mme a itlama go ba beola a sa lope dituelo dipe mo go bone a tlatsa ka gore se se mo gwetlhileng gape ke gore o godile a sotlega e bile a tshegwa ke baithuti ba bangwe ka a ne a ya sekoleng a sa lebege sentle. A re seo ka bonosi sa mo gwetlha go thusa baithuti bao a tlhalosa fa a itse botlhoko jwa teng a supa fa moithuti wa go nna jalo a ka seke a dire sentle mo dithutong tsa gagwe, ka o tlaa bo a itebela kwa tlase mme seo se mo kgoreletse mo dithutong tsa gagwe se bo se seya bokamoso jwa moithuti. O tlhalositse fa tiro eo a e dira ka lorato a tlatsa ka gore o na le tshepho ya gore tuelo ya gagwe e ko legodimong, a supa fa e bile a setse a na le botsalano le bana bao a tlatsa ka gore ba mo tsaya jaaka motsadi wa bone se a supileng fa seo se mo itumedisa fela thata. E ne ya re a a fa bopaki ka seo, mothusa mogokgo wa sekole se, Mme Oteng Phatshwane a re ngwaga le ngwaga ba rolela Rre Kgetsi bana bao se a kaileng fa seo se kopilwe ke ene gore a thuse bana bao. Mme Phatshwane o ne a lebogela tiro e e dirwang ke Rre Kgetsi fela thata,a bolela fa a eletsa gore batho ba bangwe ba ne ba ka bo ba tshwana le ene go thusa bao ba ba tlhokang thuso a tlatsa ka gore setshaba se tlhoka batho ba ba tshwanang le ene. Mongwe wa baithuti, Ofentse France moithuti wa lekwalo la ntlha e bile a akola boithaopo jwa ga Rre Kgetsi, o tlhalositse fa tiro e Rre Kgetsi a e dirang e le ntle mme a re se segolo ke gore o ba fa lorato, a tlatsa ka gore o itumelela gape le gore ga ba nne le batsadi ba bone mme o ikutlwela lerato la setsadi fa ba na le ene.BOPA economy_business_and_finance 3 Kgosi Thwane o lebogela khomputara Kgosi wa motse wa Artesia mo kgaolong ya Kgatleng o lebogile ba sepodise sa Botswana mo kgaolong ya Borwa Legare, morago ga gore ba rekele ofisi ya gagwe sebalamakgolo. Fa a amogela mpho eo, Kgosi George Thwane o ne a supa fa e le mpho ya botlhokwa fela thata, a tlatsa ka gore e tsile ka nako e e siameng, e mo go yone botshelo bo laolwang thata ke kitso ya tiriso ya dibalamakgolo. O ne a solofetsa mapodise fa sebalamakgolo seo se tlaa dirisiwa sentle, a kaya fa le metse e e fa tlase ga motse wa gagwe e e akaretsang Kgomodiatshaba, Leshibitse le Dikgonnye di tlaa thusega thata ka sebalamakgolo seo. A re mapodise ba gatetse pele mo go diragatseng mangwe a matshego a tebelopele ya setshaba, a tlatsa ka gore sepodise se godile, fa go tshwantshanngwa le bogologolo. Le fa go ntse jalo, Kgosi Thwane o ne a supa matshwenyego ka mapodise a a mo makgotleng a Setswana, a kaya fa ba beilwe ka fa mosing fa go tla mo kgannyeng ya tlhatloso maemo. A re mapodise a mo makgotleng a Setswana ba dira tiro ka bokgabane, a tlatsa ka gore le borukutlhi bo ile kwa tlase mo kgaolong ka ntlha ya bone mme o ne a kopa bagolwane go sekaseka kgang eo. E ne ya re fa a ba sebalamakgolo seo, mogolwane wa mapodise a kgaolo ya Borwa Legare, assistant commisioner divisional commander Foreman Baganetswe, o ne a re e le ba sepodise sa Botswana ba tlotla bogosi jwa lefatshe leno fela thata. O tlhalositse fa ba bone go le maleba go rekela ofisi ya ga kgosi sebalamakgolo, a kaya fa ditso tsa sepodise di supa fa sepodise se simolodisitswe ke bogosi, ke ka moo ba lekang go supa gore e le ruri ba tlotla bogosi. A re keletso ya bone ke go bona ofisi ya bogosi e bonala e bile e kgatlhisa, a tlatsa ka gore ofisi ya ga kgosi ke yone e e amogelang baeng dinako tsotlhe go sa kgathalesege gore motho ke wa maemo afe. Assistant commisioner Baganetswe o ne a tshwaela gape a re nako e tsile ya gore diofisi ka go farologana di fokotse go dirisa dipampiri thata, a supa fa sebalamakgolo se tlaa ba fokoletsa tiro. O tsweletse ka go kaya fa ba sa ntse ba le mo moonong wa ga Tautona wa go thusa fa puso e tlhaelang teng, e bile a gatelela fa e le maikaelelo a bone go tswelela ba thusa fa ba ka kgonang teng; jaaka ba tsweletse ka go agela matlo bangwe ba ba tlhokileng lesego mo mafelong mangwe a lefatshe leno. Rre Baganetswe a re ba ile ba tswa ka moono wa go ntsha madi mo dipateng tsa bone gore ba kgone go reka sebalamakgolo seo. A re sebalamakgolo seo se na le sengwe le sengwe se se tlhokegang gore se bo se ka dirisiwa. Fa a akgela mo kgannyeng ya tlhatloso maemo, o ne a tlhalosa fa ba leka fela thata, sebe sa phiri e le gore diphatlha ga di ke di nna dintsi ka nako ya tlhatloso maemo. Fa a tswa la gagwe mokwaledi mogolo wa makgotla a Setswana mo Kgatleng, Mme Maletswane Bakwena, o ne a supa fa mpho eo e le molemo fela thata, a kaya fa ba na le makgotla a Setswana a le masome a mabedi le bobedi mme a a nang le dibalamakgolo a le mane fela. A re tiro ya bone ke go sireletsa tshaba ya lefatshe leno, a supa fa jaanong le bone ba sa itebaganya le tiro ya bone fela mme o ne a ba kgothatsa go tswelela ba dira jalo. E ntse e le kwa letsatsing leo, assistant commisioner Baganetswe o ne a jwala setlhare mo kgotleng ya Artesia.Bokhutlo politics 7 Bodiredi ja kgaolo ya Kweneng bo a itshekatsheka Bodiredi ja kgaolo ya Kweneng, komiti e e lebaganeng le nyeletso lehuma le bana-le-bogole bo kopaneng mono Palapye go tla go itshekatsheka ka fa ba tlang ba gata ka teng mo dikgannyeng tsa nyeletso lehuma. Erile a buwa ka dikgang tsa nyeletso lehuma se eleng sone modi wa kgang, molaodi wa kgaolo ya kweneng Dr Themba Mmusi a re maikaelelo magolo ke go diragatsa thomo ya ofisi ya ga tautona ya go bona gore Motswana mongwe le mongwe yo o lebanweng ke lenaneo la nyeletso lehuma o le bona ka tolamo. O ne a re fela jaaka tautona wa lefatshe leno a semeletse godirela Batswana, a e re mo maitekong ao a gagwe a a supegileng a na le tema, Kweneng e nne nngwe ya dikgaolo tse di tlaa mo jang boswa ka go direla Batswana ka natla, tlotlo le lerato. Dr Mmusi o ne a re ga go thona go bona Kweneng e dira bontle ka fa a bonang bodiredi ja kgaolo bo gata ka teng bo le seopo sengwe ka maikaelelo a le mangwe a go thusa tshaba ya lefatshe leno le go ikinola mo lehumeng. Mongwe wa barulaganyi ba bokopano joo, molomaganyi wa lenaneo la nyeletso lehuma kwa Kweneng, Rre Gaotlhobogwe Kwelagobe, o tlhalositse fa lenaneo leo le abetswe P15 million go dirisiwa mo dikgaolong tsa bopalamente di ferabobedi tse di kgaogantsweng ka dikgaolo-potlana di le tharo. Rre Kwelagobe a re mo kgaolong yotlhe ba kgonne go phutha batho ba le 23 000, ba mo go bone e neng ya re fa go dirwa ditshekatsheko ga feta ba le 12 000, e le bone ba supileng fa ba tshwanelwa ke go tsenngwa mo lenaneong la nyeletso lehuma, e bile ba thokana le kemo nokeng ya bodiredi, e ka nna ka thutuntsho kana ka go ikopela mananeo. Erile fa a rarabolola dikgang tsa lenaneo, a bolela fa go sa ntse go le gontsi mo go tshwanetseng go dirwa, ka go lemosegile mo palong eo yotlhe ya ba ba ba sekasikilweng ya ba ba 12 000, go thusitswe ditiro di le 2070, fa di le 1804 di sa tlhole di dira, mme tse 308 tsone di ne tsa seka tsa kgona go feta ka nako ya fa di tlhotlhiwa. Mo ditirong tseo, di le 11 ga di sa tlhole di dira di phutlhame, fa di le 39 e le tsone di tsweletseng sentle e bile di sa ntse di itshetletse. Seo se supa fa go sa ntse go na le melala e e tlhokang go emelwa ka dinao gore lenaneo le goroge kwa bathong. A re kgang e e tlhoka gore bomme le borre ba eme ka dinao go bona gore mathata ao ba a lwantsha jang. Kgang kgolo e ne ya remelela mo tsamaisong le mo go kgobokanyeng tsotlhe tse di ka dirang gore lenaneo le tsamaye ka thelelo le tsone didirisiwa tse di tlhokegang go ka dira tiro eo ka botswelerere, bonatla le botlhaga. Batsayakarolo mo dithutong tseo ba ne ba supa bothata ja go tlhaelelwa ke didirisiwa jaaka dipalamo, letlhoko la metsi a a nosetsang masingwana a merogo, go sa nne bontlha bongwe ja lenaneo ga bao ba ba le abetsweng, mme ba re go tlhokega gore ba tswe ka maano a a botoka a a ka ba kgontshang go fitlhelela maikaelelo a lenaneo le go le diragatsa. Ba ne ba re gongwe nako e tsile ya gore go dirwe thutuntsho ya tshedimoso, pele go ka dirwa e e tseneletseng ya tsamaiso ya lenaneo, ba re gone foo ke gone go le gansti batho ba supa tota fa ba tlhwaafetse, le bao ba ba neng ba sa tlhwaafala ba simolola go ikgogela morago. Ba re gore lenaneo le bo le sa tswelele jaana, ke gone gore bangwe ba tsaya lenaneo fela ka gore le teng ba sa gwetlhiwe ke sepe gore ba le tseye, ke sone se o tlaa fitlhelang ba re lenaneo ke la ba boipelego, ba re ke gone go digang bontsi ja dikgwebo. Bokopano jo bo ya go tsaya malatsi a le mararo go tswa ka tharabololo ya se se ka dirwang go tokafatsa go abiwa le go tsamaisiwa ga ditirelo tsa lenaneo la nyeletso lehuma le mo nakong eno le tladitsweng ka la banalebogole. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ba batla go nna bommampudi Setlhopha sa Mahalapye Cultural Art se se thamilweng ngogola se boletse fa maikaelelo a bone ele go gapa sekgele mo mminong wa phathisi kwa dikgaisanong tsa ga tautona tse di tla tshwarelwang kwa Gaborone ka kgwedi ya Phukwi. Moananisa mafoko wa setlhopha seo, Rre Diane Mosogo a re ere ka ba kgonne go gapa sekgele sa ntlha mo dikgaisanong tsa kgaolo ya Legare, tse di neng di tshwaretswe kwa Francistown kgwedi e fetileng, o solofela fa ba tla tswelela ka go dira bontle jo bo kalo mme ba gape sekgele seo. Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la Bopa, Rre Mosogo o boletse fa setlhopha seo sene sa gapa sekgele sa ntlha ngogola mo dikgaisanong tsa kgaolo ya botlhophi ya Mahalapye Bophirima tsa boipuso. A re le fa setlhopha sa Mahalapye Cultural Art sele magorogo masa mo mminong wa phathisi, o itumidisiwa ke gore banana ba eleng maloko mo setlhopheng seo ba tshwere ka natla go itlhokoletsa dikgaisano tsa malatsi aga tautona e bile a bolela fa go rena kagiso fa gare ga bone le baeteledipele ba setlhopha. O boletse gape gore fa mokgatlho wa bone o ka atlega kwa dikgaisanong tseo, ba ikaelela go dira sengwe se se ka thusang setlhopha sa bone go gola. Mo nako ya gompieno setlhopha seo se sa ntse se ikatisetsa mo kgotleng ya Konyana gone mo Mahalapye. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Leruo le le sailang le tlaa gapiwa Leruo le le sailing mo motseng kwa Palapye le tla gapiwa ka fa molaong. Fa a buisa banni ba kgotla ya Thomadithotse mo Palapye bosheng, Mme Boitlhamako Motlhokakgotla wa lephata la badiragatsi ba melawana ya khansele, o tlhalositse fa molao wa taolo ya leruo wa 2006 o tlhalosa fa dikgomo tse di sasankegang mo motseng di tshwanelwa ke go gapiwa. A re kgomo fa e gapilwe e tlhatlhelwa malatsi a le supa morago ga one e be e isiwa kwa matimeleng, mme morago ga dikgwedi tse thataro e rekesiwe fa mong wa yone a sa tle go e golola. A re kgomo e duelwa dipula tse di lesome tsatsi le letsatsi, fa e gapilwe mme tse dingwe jaaka dikoko ele dipula tse pedi. Mme Motlhokakgotla a re dintsa di bewe mo malwapeng a re ntsa ga ya tshwanela go bonwa e sasankega mo motseng. A re ntsa ya go nna jalo e kgona go gapiwa ke khansele mme fa go sena ope yo o tlang go supa fa ele ya gagwe e a bolawa morago ga malatsi a supa. O ne a tlhalosetsa morafe fa ntsa e tshwanetse go direlwa teseletso fa ele dikgwedi tse thataro. Fa a itebaganya le modumo Mme Motlhokakgotla o tlhalositse fa lephata la gagwe le sa abe teseletso ya mediro e tshwana manyalo le mekete. A re e le baagisanye ba tshwanetse go dirisanya sentle e re ka nako ya lesome le bobedi phakela modumo o bo o fokotsegile fela thata kana o eme gotlhelele. Rre Fredrick Sefikedi go tswa ko lephateng la dipasa tsa mesepele o ne a tlhalosa fa ba tshwenngwa ke palo tse di ko tlase tsa batho ba ba ikopelang dipasa tsa mosepele. O ne a tlhalosa fa go dira pasa go tlhokana le setlankana sa matsalo fa dingwaga tsa ngwana di le kwa tlase ga lesome le borataro, setlankana sa lenyalo fa mme a nyetswe kana setlankana sa boagedi. O gakolotse morafe go emisa go thapa batswaka ba ba senang diteseletso ka go dira jalo e le molato A re mohiri wa go nna jalo le mohiriwa ba ka lebisiwa molato mme ba lefisiwe madi a kana ka P4000 kana dingwaga tse nne mo kgolegelong. O rotloeditse morafe go itsese ka ditiragalo tsa go nna jalo ka go romela molaetsa mo nomorong ya mogala ya 71834701. Banni ba ile ba lebogela go tsibosiwa ka melao e. BOKHUTLO politics 7 Bangwato ba lebogela pula E ne ya yare ka Tshipi, Tlhakole a tlhola masome mabedi le boraro morafe wa Bangwato wa bo o phuthaganetse kwa kgotleng kgolo ya Bangwato, kwa Serowe, le dikereke ka go farologana go lebogela pula. E rile a bua kwa moletlong oo, motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane, a leboga morafe wa gagwe go bo o ne wa utlwa mokgosi wa gore ba tshwanetse ba lebogela pula le mabutswapele a ditso tsa bone. Kgosi Kgamane o ne a tlhalosa gore o ne a kopana le makgotla a baruti ba dikereke go buisana ka go lebogela dipula tse di sa tswang go na le mabutswapele; ke ka moo letsatsi leo le neng la bewa. O ne a tlhalosa gape fa e rile ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Lwetse, tautona wa lefatshe a buisa diphuthego, a kopa setshaba sa Botswana go rapelela pula mme e re e sena go na ba leboge. O boletse fa ka dithapelo tsa Batswana pula e ne ya na mme e bile e sa ntse e tsile go na; ke ka moo ba tshwanetseng go leboga Modimo gore dithapelo tsa bone di arabesegile. Kgosi o ne a kopa Batswana le Bangwato ka kakaretso gore ba tswelele ka go rapelela pula, gore dijwalo tse di sa ntseng di le kwa masimo di gole mme ba bone thobo e e namagadi. Kgosi Kgamane o ne a kopa dikgosana, ka ele bone ba leng gaufi le barui, go ba kopa gore ba tlhokomele diruiwa tsa bone gore balemi ba tle ba bone thobo. A re gantsi temo e senngwa ke diruiwa, mme a ba kopa gore ba tlhatlhele dikgomo tsa bone gore di seka tsa senyetsa ba bangwe. O ne a kgothatsa balemi gore le bone ka temo ya mono ngwaga e lebega e ka tswa sengwe, ba tlhagolele masimo a bone gore thobo e nne e ntsi. A re dipego di supa fa temo ele ntsi mme mohero le one o le montsi, a bua jalo a ba rotloetsa gore ba tlhagolele dijwalo tsa bone. O ne a leboga go menagane bomme ba Bangwato go bo ba sa ntse ba tshwere ngwao ya go lebogela mabutswapele, a tlatsa ka gore bogologolo mo ngwaong ya Sengwato go ne go lebogelwa mabutswapele mme ngwao e e ntse e lebalesegile. A re mo go supa lerato le go tlotla ngwao ya bone, a supa gore go simologa ngwaga o, le dingwaga tse di tlang ba tsile go tshegetsa ngwao e gore e seka ya tlhole e lebalesega. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Go bonwe marapo a motho Mapodisi a Letlhakeng ba re ba bonye marapo le diaparo tse ba belaelang e le tsa monna yo ba neng ba mmatla kwa dipolaseng tsa Magagarape. E rile a lekodisa BOPA, mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng, Superintendent Daniel Katse a supa fa ba belaela fa rre yoo a bolailwe ke serame ka a ne a le bokoa mo mmeleng. Superintedent Katse o supile fa ba santse ba emetse go isa marapo ao kwa batlhatlhobing. O supile gape fa a leboga morafe wa Ditshegwane thata, ka ba ne ba na le bone ka dinako tsotlhe fa ba batla rre yoo, go fitlhela ba bona marapo ao. Mo go tse dingwe Superintendent Katse o supile fa ditshupo tsa kgaolo ya Letlhakeng di tsamaile sentle, a bo a supa fa go sa nna le sepe se se maswe kwa go tsone. Le fa go ntse jalo, Supt Katse o supile fa a tshwenngwa ke boitshwaro jwa banana ba motse oo, a supa fa go lebega ba sa itse mosola wa ditshupo. O supile fa banana ba Letlhakeng ba anwa bojalwa phetelela ka nako ya ditshupo, mme ba di tlogele di ntse di tsenye. Supt Katse o supile fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano wa kgotla ya Shageng kwa Letlhakeng, a fitlhetsweng a rapaletse fa thoko ga tsela a tlhokafetse ka Matlhatso, Phukwi a le masome mabedi le borobabongwe. O supile fa go belaesega fa moswi a tlhabilwe ka sengwe se se bogale mo molaleng, mme ba tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome mabedi le boraro wa Khudumelapye go ba thusa ka ditlhotlhomiso. Supt Katse a re serepa se kwa setsidifatsing sa ga Pule, fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse. Supt Katse o supile fa ba tshwenngwa ke banana ba ba nwang bojalwa phetelela kwa Letlhakeng, a supa fa bomme ba anwa bojalwa go feta borre, a bo a supa gape fa bangwe ba tlogela bana ba bannye ba ya majalweng. O supile gape fa boitshwaro jwa batho kwa dibareng bo ketefaletsa beng ba dibara go tswala madirelo, a bo a tlhalosa fa ka dinako dingwe ba kgona go nna kwa ntle ga madirelo fa a tswetswe ba bo ba letsa dikoloi. O tlhalositse fa ka dinako tse dingwe ba kgona go kolopa dikoloi tsa mapodisi ka matlapa fa ba leka go ya go thusa go tswala dibara. Le fa go ntse jalo, Supt Katse o supile fa ba tlaa gagamaletsa beng ba dibara molao le ba ba lekang go ba kgoreletsa go dira tiro ya bone. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Ba Monarch ba baakanyetsa boipuso Ba kgaolo ya Monarch kwa Francistown ba semeletse go baakanyetsa boipuso jwa dingwaga tse di masome matlhano le bobedi, jo bo setseng ka beke tse pedi gore bo ketekwe. Modulasetilo wa komiti ya dithabololo tsa kgaolo ya Monarch, Mme Chiko Mogotsi o boleletse A re keletso ya bone ke gore go jewe go nowe mo letsatsing le go supa boitumelo. Mme Mogotsi a re ba ikaelela gore go nne le metshameko ya Setswana jaaka mhele, koi, morababraba le e mengwe go rotloetsa ngwao ya Setswana, a re ba tlaa laletsa bagodi le mekgatlho e e rotloetsang ngwao go tla go ruta ka ngwao. A re go tlaa bo go supiwa kapari ya setso ya dingwao ka go farologana ka banni ba Monarch e le merafe e e farologaneng ga mmogo le didirisiwa tsa setso jaaka megori, dinkgo le digo. Mme Mogotsi o tlhalositse fa dikhwaere di tlaa iteisana borathana mo letsatsing leo, mme go tlaa nna gape le maitiso a mmino wa Setswana. A re poko le yone e tlaa nna teng mme go tlaa letlelelwa baphadisani go tswa kwa dikgotleng tse dingwe ka go twe dilo makwati. O tlhalositse fa ba ba nang le keletso ya go tsaya karolo, ba ka ikwadisa ka lemmenyana le e seng la sepe go thusa komiti go tsamaisa letsatsi. Mme Mogotsi o tlhalositse fa go keteka boipuso kwa kgotleng ngwaga le ngwaga go ntsha banni bodutu, go ba bopaganya gape go ntsha banana kwa maitisong kwa ba ka dirang tse di maswe teng. arts_culture_entertainment_and_media 0 Mopalamente o kopa Batswana go tshwaraganela ditlhabololo Mopalamente wa Mahalapye Bophirima Rre Joseph Molefhe, o akgoletse Batswana ba diphathi tse di farologaneng tsa sepolotiki go itshwara ka maitseo a siamaneg le go tlhopha ka dipalo tse dintsi mo ditlhophong tsa Setshaba tse di neng di tshwerwe ka kgwedi ya Phalane ngogola. Rre Molefhe yo o tsweletseng le go buisa diphuthego tsa kgotla mo kgaolong ya gagwe, o tlhalositse fa Batswana ba dirisitse tshwanelo ya bone ya go itlhophela mapalamente le makhanselara a nang le boleng ja go emela dikeletso tsa bone kwa diphuthegong tsa palamnete le dikhansele, e bile a bolela fa se Batswana ba se dirileng mo ditlhophong tse di fetileng se supile tsamaiso ya puso ya batho ka batho e meletswang mathe ke mafatshe a mangwe segolo jang a mo Borwa jwa Aferika. A re e re ka ditlhopho di fetile go mo maruding a Batswana go tshwaraganela go tsamaisa ditlhabololo tsa lefatshe la Botswana mmogo. Rre Molefhe o tsweletse ka go tlhalosetsa banni ba kgotla ya Herero fa mmuso o seegetse fa tlhoko mogopolo o neng wa bewa Palamente pele wa gore diteme tsa batho ba lefatshe leno di dirisiwe mo seromamoweng sa Botswana le kgang e neng e batla go itse gore ke ka goreng bolwetse jwa tlhako le molomo bo tsweletse ka go jwelelela le mororo bo kentelwa ngwaga le ngwaga ke lephata la Mathoko a leruo. A re e le Mopalamente wa kgaolo, makhanselara, dikgosi le baeteledipele ba maphata jaaka molaodi le mokwaledi wa Khansele ba tlaa tshwanelwa ke go thulanya ditlhogo go buisana ka seemo sa ditsela tsa Mahalapye, phatlalatso ya metsi mo dikgotlaneng tsa Mowana, Parwe, Ngakaagae, Madiba le Flowertown gammogo le go tsenngwa ga motlakase mo ditseleng tsa mekgwathe. E rile banni ba Herero ba akgela mo phuthegong eo ba ngongorega ka badiri ba lephata la boipelego ba go bolelwang ba gana go amogela maina a batlhoki ba ba supilweng ke maloko a komiti ya ditlhabololo le mororo batho bao go sena se ba itshetsang ka sone. BOKHUTLO politics 7 Metlhala ya khumo e mentsi Mothusa tona wa peeletso, papadi le madirelo, Rre Biggie Butale a re lephata la gagwe le simolodisitse lenaneo la Operation Metlhala ya Khumo go rotloetsa Batswana go itirela dikgwebo. Rre Butale o buile jaana ka letsatsi la go rekisa moono oo kwa Masunga ka Labotlhano. A re ka lenaneo leo maphata otlhe a a fa tlase ga lephata leo le a a ekemetseng a tshwaragane go fa ditirelo tse di rotloetsang kgwebo, ka ba kgobokana mo lefelong le le lengwe, ba rute batho ka ditirelo tsa bone le methale e ba ka e dirisang go ipetlela isago. A re gape maikaelelo a lenaneo leo la metlhala ya khumo le gwetlha Batswana go tsena mo dikgwebong le go godisa bagwebi. O supile fa bontsi jwa dikgwebo tsa Batswana di dira dithoto tsa selekanyo sa bosupa mo lekgolong, fa bontlha bongwe e le jwa dithoto tse di rekwang kwa mafatsheng a sele, selo se a kaileng se santse se kokonela mmaraka wa lefatshe leno, ka lefatshe le latlhegelwa ke diketekete tsa madi ka go reka dithoto kwa ntle. Rre Butale o tbolela fa metlhala ya khumo e le mentsi mme e tlhoka balatedi, a gatelela ka gore mo Bokone Botlhaba go na le metswedi e mentsi ya khumo e batho ba ka e dirisang go tlhabolola matshelo a bone, le gone go direla Batswana ba bangwe ditiro. A re go letamo la Ntimbale le le ka dirisiwang go ngoka bajanala, lefelo la Domboshaba le mafelo a mangwe a le one a ka dirisiwang go tlhama ditiro, mme ka madi ao ba kgone go tlhabolola matshelo a bone le go tsenya madi mo letloleng la lefatshe. O ne a bolela fa makalana a tshwana la LEA, CEDA le a mangwe a ka ba sedimosetsa ka fa ba ka dirang dikgwebo tsa bone ka teng. A re LEA e ka ba thusa gore ba bone mmaraka, gape le go ba ruta ka fa ba ka tsamaisang kgwebo le go tsamaisa dibuka tsa kgwebo. Gape o ne a ba kopa go inaakanya le ba lekalana la dikoporase go utlwa ka ditirelo tse ba nang natso, a supa fa go na le lenaneo la kadimiso ya madi la SACCOS le le fa tlase ga dikoporase, a re lenaneo leo le dira sentle ba ka le itirela mo Masunga. Maphata ka go farologana go balelwa lephata la baji-bareki, CEDA, LEA, SPEDU le la Competition Authority a ne a nna le nako ya go rekisetsa batho ditirelo tsa one. Fa a amogela baeng, Kgosi Thabo Monaga o ne a leboga lephata leo go bo le bone go tshwanela go dira tiro ya mothale oo. BOPA economy_business_and_finance 3 Tlhaelo ya dikoloi le bodiredi e a tshwenya Makhanselara a Kgalagadi a ngongorega ka tlhaelo ya dikoloi le bodiredi mo kgaolong ya bone. Ba buile se bosheng mo phuthegong ya khansele e e tsweletseng ya malatsi a le mararo. Bontsi jwa makhanselara a nea supa fa tlhaelo ya dikoloi mo maphateng a puso bogolo jang mo lephateng lamakgotla a Setswana le tlhaelo ya bodiredi di na le seabe se se ntsi mo gontsheng maduo a a itumedisang mo tirong ya puso mo kgaolong eo. Ba kaile fa tlhaelo eo yadikoloi e ama thata le go diga seriti sa dikgosi ka ba felela nako nngwe batsewa ka koloi e le nngwe e e bulegile go ya diphuthegong kwa motseng mogolo waTsabong. Makhanselara a ne gape a supafa go nna nako e telele go sa thibiwe diphatlha tsa maemo a a kwa godimo abodiredi mo maphateng a a farologaneng, mme go dirisiwe bangwe go tshwareleladiphatlha tseo ba ba supileng fa ba dira ditiro tseo ka manontlhotlho boemongjwa gore ba tlhatlosiwe maemo. Fa a baa pele pego ya gagwemodulasetilo wa khansele ya Kgalagadi Rre Justice Nkwane o ne a re khansele eoe neetswe madi a a kanang ka P81 799, 735 mo sephatlong sa ntlha le sa bobedimo ngwageng wa madi wa 2015/2016 go a dirisa mo go tlhabololeng kgaolo eo. Rre Nkwane o ne a gwetlhamakhanselara a kgaolo eo go ema ka dinao ka go tshwaragana ba bereka mmogo kase se ka thusa thata mo go tlhabololeng kgaolo eo le go isa Botswana pele. Monnasetilo wa khansele yaKgalagadi o ne a tlhalosa mo pegong ya gagwe fa a ne a tsaya loeto go lekolakgaolo ya Kgalagdi bokone go utlwa ka mathata a a tshwenyang mo kgaolong eomabapi le mananeo le ditlamelo tsedi amang setshaba mo go tsa botsogo, tsa thuto ba-na-le bogole le tse dingwe. Are o itumedisiwa ke gore mananeo a nyeletso lehuma a tsweletse ka go sologelabangwe molemo ka 50% ya kapari ya bana ba sekole ba e neelwa ke bangwe banni ba Rre Nkwane o ne a kaya fa lefa go ntse jalo a sa itumedisiwe ke makhanselara mangwe a a sa buisengdiphuthego tsa kgotla morago ga go tsena diphuthego tsa khansele a kaya fa seose swabisa thata ka e le bone baeteledipele le barongwa ba setshaba mme go lebotlhokwa gore ba ba tlhalosetse ka se se diragalang mo khanseleng mabapi le O ne a kaya fa gape go santse go na le dikgang tse di tshwenyang thata mo kgaolong eo di akaretsa tsatlhakanelo dikobo ya dingwaga tse di kwa tlase tsa bana, go thujwa ga matlo lethubetso. A kaya fa go na le batsadi bangwe ba ba lobang dikgang tseo mme seose thatafaletse mapodisi le ba boipelego mo go atlegeng ga dikgang tseo le gone Fa a ama tsa mananeo a nyeletso lehuma o kaile fa atsweletse ka go dira sentle mo kgaolong eo a kaya fa dikgwebo tse di berekangdi tsholetsegile go tswa mo go 590 go ya kwa go 709 di akaretsa tsa temo-thuo,tsatemo ya dijwalo, tsa boipelego, tsa lephata la bong le tsa temo ya ditlhare. Mo pegong ya gagwemodulasetilo o ne a supa fa ka tshwaragano ya morafe le dikomiti tsa twantshoborukutlhi le mapodise borukutlli le bogodu jwa diphologolo ka go ela seemo Mongwe wa makhaselara RreRonalad Baitsiwe wa Omaweneno Maralaleng le Kisa , o ne a supa fa a le sebetese molangwana ka mafoko a modulasetilo a gore borukutlhi bo ile tlase a kayaseo fa e se boammaaruri ka dirukutlhi di sa ntse di tsweletse ka go senyabosigo le motshegare ba kaya fa ba batla go utlwa dipalo tsa gore di Rre Baitsiwe o ne a supa famo pegong ya monnasetilo go sa buiwa sepe ka thuto a kaya fa e le konokono ka ele yone e ka nnang le bokamoso le go isa lefatshe leno pele. BOKHUTLO society 9 Ba kgotlhaditswe go tsays boikarabelo ka botsogo Baithuti le babereki ba sekole sa ithutelo ditiro tsa diatla sa Boteti Brigade ba kgothaditswe go tsaya boikarabelo jwa botshelo le botsogo jwa bone. Kgothatso e e dirilwe ke morutabana wa sekole se segolwane sa Orapa, Rre Brets Motlogelwa, kwa moletlong wa botsogo wa sekole seo bosheng. A re go tlhoka go ja sentle le tlhaloganyo ee sa iketlang ke dingwe tsa dilo tse di rotloetsang malwetse aa a sa alafesegeng jaaka madi a matona, sukiri le a mangwe. Rre Motlogelwa a re boitshwaro, boleng le mekgwa ya batho le ka fa ba tshelang ka teng gompieno ke tsone di tsayang karolo ya go betla botsogo. A re go tlhoka go ja sentle le go bereka, go ka gogela gore rbatho ba nne le mmele o motona, atla tsa ka gore malwetse a mangwe jaaka tlhogo ee opetseng ruri ditlhabi tsa mokwatla le bolwetse jwa pelo fa gongwe di bakiwa ke maikutlo aa kwa tlase a a sa tsewa tsie. Rre Motlogelwa o ne gape a ba rotloetsa go tshelela mo selekanyo sa bone, ba seka ba tshwantshanya matshelo a bone le a ba bangwe atla tsa ka gore ba senke bokgoni jwa bone ,a re motho fa dira sengwe a bo a sekgona go mo fa boitumelo. O ne gape a ba rotloetsa go bala ,go reetsa,go batlisisa a re go fa motho nonofo le kitso.o bile a ba kgotlhatsa go tsamaya le batho ba ba nang le boleng ,a re motho o kalwa ka batho ba a tsamayang le bone. O tsweletse ka go ba gakolola gore ba ithute ka diphoso tsa bone ,a re motho ga ana taolo mo tse di mo diragaletseng tse di fitileng .A re ba bope bokamoso jwa bone a tlatsa ka gore ba ka kgona fela fa ba tlhwaafalela thuto ya bone. Mongwe wa baruta balekane ba Moepo wa Orapa Rre Babatshi Tjikwakwa o ne a ba tlhalosetsa fa puisano e le botlhokwa fagare ga batho ba ba tshelang mmogo jaaka batsadi le bana ,banyalani le baratani. A re le fa batho ba itse ka puisano ga ba tlhaloganye gore tota e e siameng ke e e ntseng jang a tlatsa ka gore puisano e tshwanetse gona le boamaaruri,go buleganelana ,go tshepana batsadi ba buisana le bana ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo,baratani le banyalani ba tshwanetse go buisa gore batle ba dire dilo ka nako ee siameng. Rre Tjikwakwa a re go tlhoka go buisa ke gone go bakang malwetse a tlhaloganyo ee sa iketlang , mogare le bolwetse jwa HIV/AIDS, dintwa, ditlhalano. E rile a fa malebo kgosi ya kgotla ya Metsiaela Rre Alfred Petelelo a re o solofela gore dithuto tse di tla aga mo go bone ba bo ba didirisa go fetola batshelo a bone . O ne a ba rotloetsa go siela kwa modimong a re ke e ne tlharabololo ya mathata. Kgosi Petelelo a re go mo maruding a bone go itlhokomela gore ba ne basha ka nako tsotlhe. A re go nna le bakapelo ba bantsi go ile magoletsa mo go dirang gore maiteko a dithuto tse a seka a na le mosola . Modiri wa tebelopele Rre Sana Tshireletso o ne a ba rotloetsa go tlhatlhobela morage wa HIV a re go tlhokwa go itse seemo gore o tlhe o fiwe kalafi nako e santse ele teng . Rre tshireletso o supile fa ba rotloetsa batho go itlhatlhoba le bakapelo ba bone le go ba gakolola go ririsa dikausu ka nakotsotlhe.Borre ba ne ba rotloediwa go tsenelela lenaneo la loaro le le babalesegileng la go kgaola letlalo la bonna. health 6 Olopeng o batla go isa lephata kwa pele Tona wa le lephata la Banana, Metshameko le Ngwato, Rre Thapelo Olopeng o mo thulaganyong ya go godisa lephata la gagwe ka go kopa tona ya ofisi ya ga Tautona le Bodirela Puso go simolodisa lenaneo la itloso bodutu la tsa banana (Youth Entertainment Channel) mo Botswana Television. O buile seo mo letsatsing le le neng le buletswe setshaba le banana gotla go ithuta, go anya le goitse gole gontsi ka lephata la gagwe le leneng le isitse ditlamelo ka bothong mono Palapye, morago ga bokopano ja beke jo boneng boitebagantse le go buisana kafa mananeo a banana aka tokafadiwang ka teng gore ba a kgatlhegele. Tona yo gape e leng mopalamente wa Tonota, Rre Olopeng a re fa seo seka kgonega seka thusa banana go lemoga bokgoni jo banang le jone le goitlhaloganya, ka seo seka bafa boikarabelo ja ithekisa le go ntshetsa dikitso tse banang le tsone mompepeneneng. Rre Olopeng one a a ma dintlha dile mmalwa tse dilebanyeng lephata la gagwe a supa fa maikaelelo ele go tlhabolola,gobopa le go aga monana yo ele mmusi wa lefatshe leno wa gampieno, are o lemoga sentle bothata jo banana ba lebaganyeng le jone ja letlhoko la ditiro, mme fela ene le bodiredi ja lephata la gagwe baikiteile ka thopana godira gotlhe mob aka gokgonang go lwantsheng seemo seo ka gontsha banana mo mekgwatlhang le mo lehumeng. Tona one are mananeo a banang le one mo nakong eno ba a tsentse leitlho le tsone difomo go bona gore a banana ba a ditlhaloganya le gore a ka basolegela molemo jang. One are metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balati, a kgotlhatsa banana go dirisa mananeo a a teng goitshetsa. Rre Olopeng one are maikaelelo a mangwe a lephata ke go tsena motse le motse go utlwa banana gore ba batla mananeo a a tokafadiwa jang gore ba a kgatlhegele, mme a a kgala bao ba baneng ba bona sebaka sa go tsaya mananeo are bangwe ba a phuagantse fela mo tseleng a sa wela, le ntswa godirisitswe madi a mansti go a simolodisa, bangwe go goitsiwe le kwa baleng teng ka madi a puso. Oile a supa fa lephata la gagwe le tshwaraganetse go tlhabolola banana le makalana a mangwe jaaka ba LEA le CEDA, are bafile makalana ao gotla ka ditsele tse banana baka thusiwang botoka ka tsone gore mananeo a basologela molemo le gore baa rate. Fa a itebaganya le tsa metshemako one are metshameko ya gampieno ke e e ka tlisang dijo mo lapeng, jaanong banana batshwanelwe ke goetsaya ka tlhwafalo, abo are ke keletso ya gagwe go tokafatsa seemo gore banana batsene mo dikgaisanong le banana ba mafatshe fatshe. One are mafatshe a borwa ja Africa a tlhoka gotshwaraganela kgodiso le tlhabololo ya banana mo gotsa metshemeko, a lebeletse didirisiwa, are mafatshe a a setseng a a etetse a gatetse pele mo didirisiweng tsa metshameko mabala a bone le didirisiwa ke tsa maemo a a kwa godimo fela thata. Are mo dingwageng tse tlhano a santse a neetswe ofisi oya go bona gore tsa metshameko dinna teng mo metseng yotlhe a lebeletse (mini sports Complex) are seo seka thusa lephata la gagwe gobopa banana mo gotsa metshameko gotswa fela kwa moding. Oile gape a kopa banni ba Palapye, makhanselera,le mopalamente go nna seopo sengwe mo goruteng banana ngwao ya bone, are bontsi ba inakantse le dingwao tsa mafathe a sele ka batsaya seo mo marenyeneng a se gampieno. Oile a gwetlhe bodiredi ja lephata la gagwe go ema ka dinao go fa setshaba ditlamelo tsa maemo a a kwa godimo ka lerato,botho le boineelo mo tirong ya bone. Fa a a fa malebogo modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye , mokhnaselara wa Mogome Rre Lesedi Phuthego one are o lemogo sentle fa mohiri mogolo ebong puso a satlhole a kgona, ka jalo lephata le ke lone fela leka thusang goinola banana mo letlhokong la ditiro, mme a supa fa ale bete se molangwata ka bontsi ja banana basa thologela pitso e ka bokete. Modulasetilo one are mananeo a puso ke one fela aka inolang banana mo manokonokong a letlhoko la ditiro fa baatsaya ka tlhwafalo. One are mafatshe ale mantsi itsholelo ya bone e ikaegeile thata k a bo radikgwebo, mme are ga gopale sepe gore mananeo ao a banana a ba beye mo maemong a gore le bone batsoge ba laola itsholelo ya lefatshe leno ka dikgwebo tsa bone. One a itebaganya le banana are sebaka le nako ke tsone tse, le arameleng le santse le thabile, mme a felela a kopa lephata go dirisana le makhanselera go thusa mo go ageng banana, oile a leboga tona thata are e sale monana o ka siana that aka gatwe maoto a nong ke phofa Morago tona le bagolwane ba lephata la gagwe lefatshe leno lotlhe bane batsamaisiwa le metlaagana ya disupiwa go bona tse banana ba didirang, le gore makalana a a bopang lephata la gagwe a dira gole kae go bvalelwa le tsa metlobo ya ditsa lephata. arts_culture_entertainment_and_media 0 Mmaraka le ipapatso konokono mo kgwebong Go lemosegile fa dikgwebo tse dipotlana ele mokwatla wa itsholelo ya setshaba, ke gone ka mooo ba lekalana la Local Enterprise Authority (LEA) ba itlamileng ebile ba ikemiseditse go dira ka gotlhe go bona kgolo mo dikgwebong tse dipotlana. Se se builwe ke mookamela lekalana la LEA mo kgaolong ya legare, Mme Kgomotso Masunga, fa a tlhalosa ka maikemisetso le maikaelelo a letsatsi la ipapatso/mmaraka la bagwebi ba babotlana le le neng le tshwaretswe mo Palapye morago ga go lemoga fa mathata a magolo a dikgwebo tse di potlana ele mmaraka, are nako tse dingwe ba lemoga fa bangwebi ba sa ipapatse mo golekaneng. O ne a bua gape ka tse ba didirang gothusa mo dikgannyeng tseo, jaaka ene yare bosheng ba thulanya ditlhogo le bareki le barekisi b aba farologaneng ka maikaelelo a go kopanya puso le makalana a a ikemetseng ka nosi le bagwebi ba kgaolo le go buisana ka melawana ya theko le tse batshwanetse go disolofela mo bangwebing. Mme Masunga one are maikaelelo a letsatsi le kopananya makalana a theko le bareki,le gone go supa kgathego le thotowetso mo bangwebing ba mono gae. One a isa boikuelo mo bareking are a baseegele fa thoko bantlha bongwe goreka dithoto tsa mono gae, go godisa dikjgwebo tsa bagwebi b aba botlana. Re ikemiseditse go bona bagwebi batlhe ba kgaolo e, ba tsene mo kgwebong ebile bana le seabe se se tona sa go tlhama ditiro le gone go klabakanya itsholelo tota, are seo ele ba LEA baka sekgona fela fa tsaya karolo botlhe b aka tsenya letsogo gotshwaraganela le bone” kgetsi ya tsie, ka wa o esi osa ele” Mme Masunga one a tsaya sebaka go lalatse bagwebi go tla kwa diofising tsa bone gotla goithuta gole gontsi ka ditsamaiso tsa bone le goamogana maele ka tsa kgwebo, are ba buletse mongwebi mongwe le mongwe goka tla dithutuntshong tse difarologaneng, jaaka maitlamo a bone ele go tlhoma mongwebi kwa pele. Mo letsatsing leo bangwe ba bangwebi, Mme Batsetsi Kgamane wa moitseanape watsa botshwantshi le mealo (Architect ) a okemetse kgwebo ya alifestyle Architects PTY LTDmo Palapye le Rre Larona Maswikile yo eleng morui wa di Brahman gotswa kwa Rocky Greek Cattle Co, Tuli Block gape ele banana bane batlhalosa ka gonna bopelotelelel le boitshoko mo kgwebong. Mme Kgamane one a tlhalosa fa gosimolole kgwebo ele kgwetlho , mme a leboga that aba lekalana la LEA ka go mothusa go fitlhelela ditoro tsa gagwe basa mo felele pelo ka nako tsotlhe fa a tlhokan le thuso ya bone, a supa fa bontsi ja dithutontsho tse a ditamasileng a dikgonne k ago ituelele selekano sa 15% fa LEA yone ene e montshetsa 85%. O ile are kgwebo ke neelano e tshana le lebelo la relay ,are gobotlhokwa gore bagwebi ba lefatshe leno ba emane nokeng ka maikelelo a go tlhamela dikokomana tse ditlang ditiro go rola puso mokgweleo wa letlhoko la ditiro. Fa Rre Mazwikila ene ane are kgwebo ya thuo ya dikgomo gae kgwebo ya banana, ka a lemoga bone ba batla madi ka bofefo le go apara disutu, are kgwe ya thuto e tlgokana le lefatshe le madi go e simolodisa le gone godira dilo ka tolamo o se mo lebelong. O ne a supa fa ba dibanka bana nna le lethogo la go thusa gosimolodisa dikgwebo tsa mofuta o ka basena tshepho ya gore a ele ruri dikgomo ditlaa kgona go tshela le gone gore a ke kgwebo e e ka busang madi. Mme are gore motho a tswelele sdentle mo thuong o tlhokana le go nna le leruo la boleng jo bo kwa godimo,m ja seemo se sekwa godimo go kgotsofatsa bareki ba gagwe are ke one maikemisetso a bone kwa Tuli Block. O ne are mo kgwebong ya thuo ba dira ka natla le botswerere, le gone gore o itebaganye le tiro e o ka e kgonang ka nako ele ngwe, le goreetsa se bareki ba sethokang mo gowena ka nako tsotlhe goka tlhabolola kgwebo ya thuo. E ne erile gole pele mothusa kgosi wa Palapye Rre Michael Maforaga a supa fa motse o ole lesego fela that aka gotlisa letsatsi le letshwanang le le leyang gofa bagwebi sebaka sa goipapatsa le goitse se se tlhokwang mo kgwebong. A re bana le keletso ya gore nako engwe dikopo tsa bone ditlaa arabiwa tsa gore Palapye e nne toropo ya boraro ya lefatshe leno, mme arotowetysa banana go innakanya le ba LEA go bathusa mo dikgwebong fela jaaka bantse ba rotowediwa go reka Botswana le gone go rotowetsa dikgwebo tsa mono gae. Fa a leboga Mokhanselera wa kgaolo Rre Jordan Makhura one are tiro ya mofuta o e tlhoka bana le seabe botlhe mo mhameng wa dikgwebo gotla gotlhalosa ka botlalo ka tse dithokwang mo bangwebing. Mme a supa fa a tshwengwa ke gore gona le dikgang tsa gore gorekwe mo batswaneng, are ga go diragale jalo k aba lwela dikgwebo tseo le bora dikgwebo tse e seng tsa Batswana ka pgadisano ya ditlhwatlhwa. One are Debswana e dira gotla ka diatla go rutuntsha dikgwebo tsa Batswana, are seo se thoka gore ba se a kgolelwe. Mme one a kopa gore a ba lekalana la phadisano ba ne ba lalediwa gotla go tlhalosa ka tse ba didirang (Competitive Authority). Bontsi ja bangwebi bane batsene letsatsi le ka bontsi gotla go supa tse ba didirang, gotswa mo dikgaolong tse difarologaneng tsa kgaolo ya legare. economy_business_and_finance 3 Banana ba itlhotlhora lehuma Fa ba lemoga gore ba faraferwe ke dikgwetlho ka ntlha ya letlhoko la ditiro, borre Kenny Semang le Tefo Thipane ba ne ba inaakanya le go itirela ka diatla. Rre Semang yo o dingwaga tse 34 go tswa kwa Mabule le Rre Thipane yo o dingwaga di 20 wa Kanye ba ne ba ikopanya ngwaga o simologa go lwantsha letlhoko la ditiro le le ba apereng. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA Rre Semang o tlhalositse fa go itirela ka diatla go tsisa pharologanyo mo matshelong a bone e bile go ba fapha mo ditirong tse di sa siamang tse di amanngwang le letlhoko la ditiro jaaka botlhokatsebe le tiriso botlhaswa ya dino le diritibatsi. A re dipoelo tsa kgwebo ya bone di a nametsa e bile go na le pharologanyo mo matshelong a bone. “Tiro ya diatla e botlhokwa, motho o ka inosa metsi fa a ka e tsaya tsia, ga go tshwane le fa motho a ntse ka mabogo,” a latlhela. Rre Semang o tlhalositse fa ba simololetse kgwebo ya bone ka go ipolokela tse a neng a di ipeela a santse a bereka tiro ya nakwana. A re ba tlhotlheleditswe ke go bona botshelo bo thatafalela pele mme ba na le diatla tsa go ka iphataphatela. O tlhalositse fa ba dirisa dipolanka tse di latlhwang kwa mabentleleng a tsa kago, dimente, pente ga mmogo le diterata. O supile fa ba bapatsa kgwebo ya bone ka go ipolelela batho, le ka go rekisetsa mo lefelong le go fetang batho ba bantsi teng ebile ba eletsa go ka e bapatsa mo maranyaneng a facebook. Rre Semang o kaile fa letlhoko la madi go ka reka didirisiwa tse di maleba le letlhoko la lefelo e le mmaba mo kgwebong ya bone, a tlhalosa fa ba eletsa go ka akola mananeo a puso gore ba atolose kgwebo ya bone. A re ba tlaa dira sengwe le senngwe se se tlhokegang go ka fitlhelela toro ya bone ka ba na le tsholofelo e e nitameng ya go ka godisa madirelo. “Re kopa thotloetso le kemo nokeng mo Batswaneng ka kakaretso gore re ikinole mo manokonokong a letlhoko, re ka kgona fela fa ba ka re ema nokeng,”a latlhela.BOPA economy_business_and_finance 3 Bagodi ba lebogela ditlamelo Bagodi ba Mosweu, Mokokwana le Seolwane ba supile fa ba itumeletse tsamaiso e e dirilweng ke ba lephata la diposo e ka yone ba amogelelang mo dikgotleng tsa bone ka go farologana. Bagodi ba metse e ba supile boitumelo fa ba ne ba buisana le BOPA mo potsolotsong bosheng. Ba tlhalosistse fa tlhabololo e e ba kgaoletse mosepele, ka jaanong ba sa tlhoke go tsamaya sekgala go ya kwa Maunatlala le Lerala go lata diofisi tsa poso. Mme Boemo Motshabi wa dingwaga tse di masome a supa le borataro wa Mokokwana o supile fa thulaganyo e, e le maiteko a matona fela thata, go tsisa ditlamelo gaufi le bone. Mme Motshabi o boletse fa go tsamaya sekgala se se leele go ne go ba babalela. Mme Motshabi o supa fa gantsi ba ne ba tlamega go leka ka maoto go lata dikamogelo kwa metseng e e nang le diposo lebakeng la tlhaelo ya dipalamo tsa setshaba mo kgaolong ya bone. O akgotse maiteko a puso e tsweletseng ka go a neela bagodi ba lefatshe leno. A re bagodi fa ba ile go kopa ditirelo mo maphateng le dikokelo ba diretswe thulaganyo e e faphegileng gore ba bone thuso mo nakong e e sa fediseng pelo, selo se a kaileng fa se e le go supa fa ba lemotshega mo setshabeng. Mme Mokgadi Kwatlhao wa Mosweu le ene o ne a supa fa thulaganyo e e ba tswetse mosola thata. A re ba ne ba setse ba fetogile merwalo ya bana ba bone fa go tla nako ya go amogela ka ba ne ba tshwanelwa ke go bona gore ba goroga jang kwa diposong mme seo se ba tshwarelele go dira ditiro tsa bone tsa tsatsi le letsatsi. Bokhutlo politics 7 Dikgosi di gakolotswe go emela molao wa thekiso ya bojalwa ka dinao Bogosi bo gakolotswe go diragatsa dithata tsa jone tsa go laola thekiso ya bojalwa jwa setso le gone go bona gore melawana e e laolang thekisoe e salwa morago. Kgakololo e e dirilwe ke mogolwane go tswa kwa ofising ya tiragatso molao kwa Serowe, Rre Gofaone Toteng ka Labone fa dikgosana tsa Serowe di etetse malwapa a a rekisang bojalwa jwa setso. Rre Toteng a re bogosi bo tshwanetse go thomamisa gore go rekisiwa majalwa a setso a a letleletsweng fela le go bona gore go salwa morago dinako tsa thekiso. Majalwa a setso a a letlelelwang mo malwapeng ke mokuru o o dirilweng ka mabele,khadi e e dirwang ka moretlwa,setopoti sa magapu,bojawa jwa morula le jo bo dirwang ka phaletshe le madila. O ne a supa fa diletso di sa letlelelwe mo dipotong. Mongwe wa dikgosi tse di neng di le teng koo, Kgosi Oleosi Serite wa kgotla ya Mauba o ne a gakolola barekisi ba bojalwa go nna ba ikwadisa mo dikgotleng tsa bone gore bone e le dikgosi ba itse gore go nowa kwa ga mang,a tswelela a ba kopa go obamela dinako. Moemedi wa mokgatlho o o mo letsholong la twantsho nnotagi wa Tsela Kgopo Cultural Group Rre Warona Ramaribana o ile a ba kopa go nna ba tlhatswa dikupu tse ba tshelang majalwa a bone mo teng go babalela botsogo jwa bareki ba bone. O tsweletse a ba kopa go rotloetsa banwi ba bojalwa go ja pele ba tla go nwa. Morulaganyi wa lekalana la Fokotsa Dino mo Serowe District Health Management Team e bile e le mooki kwa Sekgoma Memorial Hospital, Mme Malebogo Motsokono a re bojalwa bo baka ditlhalano le dipolaano mo malapeng ka bontsi, jalo ba bone go le botlhokwa go kopa kgosana go buwa le batho mo dikgotlaneng tsa bone ka bodiphatsa jwa nnotagi. Mme Mmamotsokono o tlhalositse fa dipoto ka bontsi di bitswa maina a a sa kgatlheng go lebeletswe gore go diragala eng teng,di bitswa bo bolola,ditshupo,UB,tlhatswa lesire le, bo moreomabele. Bogosi bo ile ja tsamaya le dipoto di le mmalwanyana,mme se seng se gakgamatsa ke gore di ne di butswe tsotlhe mme nako ya bobedi mo tshokologong e ise e goroge,gape go se phepa,go sena ntlwana ya boitiketso fa e le teng e sena lebati le fa e le gone go rulelwa tota. BOKHUTLO society 9 Moruakgomo wa iphataphatela Bangwe Batswana ba iteka fela thata go itshetsa ka diatla ba sa ikaega fela ka puso le mananeo a yone. Mme Thandie Moruakgomo ke mongwe wa bao ba ba sa batleng go direlwa jaaka nama e le batho mo motseng wa Middlepits mo Kgalagadi. Kwa ntleng ga go itshetsa o ntse o dira tiro e ntle ya go phepafatsa tikologo ya gagwe le go nna le seabe mo go sa latlheng ditsa tlholego. O dirisa bojang, matlapa, dithito tsa ditlhare go dira mekgabisa e e kgatlhisang. E rile a le mo potsolotsong le BOPA bosheng a tlhalosa fa maikaelelo a gagwe e le go supegetsa Batswana bomosola jwa dilo tse di mo tikologong ya bone, le gone go ba kgothatsa ka go ikakanyetsa ka fa ba ka fenyang lehuma ka teng. O tlhalositse fa a ne a dira dibeke ka dipolasitiki mme a bona kgwebo e sa tswelele a bona gore a akanye sesha. O boletse fa a dirisa pente a e boeletsa go nyeletsa boleng jwa logong a bo a gokaganya dikgong tseo ka sekano (glue) go nna selo se le sengwe. A re ka a santse a le mosha mo kgwebong o rekisetsa fela mo lapeng ka lebaka la go tlhoka lefelo le le faphegileng. O boletse gape fa a mekgabisa e e rekwa thata ke batho basweu a kaya fa ba bona e le dilo tse dintle tsa setso sa Batswana, ka jalo ba eletsa go nna le dingwe dilo tsa mofuta go supegetsa bana ba bone. Mme Moruakgomo o boletse fa a isa kgwebo ya gagwe kwa bathong ka go tsena ntlo le ntlwana a e bapatsa. O rotloeditse morafe go reka mekgabisa ya gagwe ka moo go ntlafatsa matlo a bone le go bo go kgatlhisa. O buile fa keletso ya gagwe e le gore e re mo dingwageng tse di tlang kgwebo ya gagwe e bo e godile le ene a kgona go ija mofufutso wa phatla. O ne a tlatsa ka gore o gakolola Batswana go abelana dineo tsa botshelo go supa lorato, kutlwelobotlhoko, le bojammogo mo lefatsheng. economy_business_and_finance 3 Go bipa mpa ka mabele go borai Batsadi ba kopilwe go tlhoka go loba dikgang tsa tlhakanelo dikobo le petelelo mo baneng ba dingwaga tse di kwa tlase. Mogolwane go tswa kwa ofising ya boipelego mo khanseleng ya Kgalagadi, Mme Abotseng Ramabele o boletse mo puisanong le ba lekalana la dikgang la BOPA bosheng, gore batsadi bangwe ba gataka ditshwanelo tsa bana ka go tlhoka go di bega ba lebile go atswiwa ka sengwe ke badiramolato. O tsweletse ka go tlhalosa fa go bopilwe komiti e e sireletsang molao wa bana mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, e maikaelelo a yone e leng go netefatsa gore bana ba tshela ba phuthologile gammogo le go tlhomamisa gore molao wa bana wa 2008 o a diragadiwa. A re komiti eo e bopilwe ka maphata a puso a a berekang le bana le go ba tlhokomela a a farologaneng a akaretsa a tsa pereko, mmakaseterata, thuto, botsogo le ba boipelego. Mme Ramabele o kaile fa ngwana mongwe le mongwe a tshwanelwa ke go akola lorato lwa batsadi boo babedi go sa kgathalesege gore ga ba mmogo. A re gape molao wa bana o letla gore ngwana a nne le sebaka sa go bona thuto, botsogo, dijo, diaparo le tsotlhe tse a di tlhokang mo batsading ba gagwe. Fa a ntsha la gagwe mogolwane go tswa kwa lephateng la pereko, yo eleng modulasetilo wa komiti eo, Rre Bonang Batlanang o supile fa komiti e dirile maiteko a go tsamaya ba buisa diphuthego le go tsibosa setshaba mo metseng e e farologaneng mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ka tshireletso ya molao wa bana le bomosola jwa teng. Rre Batlanang o tsweletse a tlhalosa fa go lebega fa komiti e tlaa solegela bana molemo ka ba setse ba amogela dikgang tse di amang bana di le dintsi mo kgaolong eo di akaretsa tlhakanelo dikobo ya bana ba ba kwa tlase ga dingwaga, petelelo le bana ba ba tlogelang sekole ba ya go nna le batsadi ba bone kwa dipolaseng. O tsweletse a supa fa dikgwetlho dingwe tse ba kopanang le tsone mo komiting eo e le batsadi ba ba lobang dikgang tsa bana le go tlhoka go di tsaya tsia go na le gore ba ye go di begela ba ba tshwanetseng eleng mapodisi le ba boipelego. O kaile fa letlhoko la dipalamo le paledisa komiti go dira ka natla. Mme Nametsegang Peloyame o supile fa mo nakong ya gompieno ba setse ba bopilwe dikomiti kwa metseng ee farologaneng tse ka tsone ba tla kgonang go upolola dikgang dingwe le dingwe tse di amang bana tse di ntseng di fitlhegile mo kgaolong eo. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Ditlhabololo di botlhokwa Ditlhabololo ke dingwe tsa dilo tsa botlhokwa mo lefatsheng le no ka jaana di tlisa dilo di dira ditiro. Se se tlhalositswe ke modulasitilo wa khansele ya Kweneng, Rre Motlhophi Leo kwa pulo semmuso ya maemelo a dipalamo tsa setshaba kwa Molepolole bosheng. Rre Leo o ne a tlhalosa gore lentswa ditlhabololo di le botlhokwa di tla ka dikgwetlho tse difarologanyeng.A re go le gantsi banni ba motse o go dirwang ditlhabololo mo go one ba ngongorega ka gore diteraka tse di tona tse di dirisiwang di ba senyetsa matlo ka jaana a felela a ranyega. Rre Leo o ne a tlhalosa gore le mororo se se diragala, ditlhabololo tsone di tshwanetse go diragadiwa ka jaana mo go ba ba lesego e le tshimologo ya mmereko.O ne a tlhalosa fa tirisanyo mmogo magareng ga banni ba motse le babereki e ka lere maduo a mantle e bile seo se dire gore tiro e nne motlhofo go ka direga. Bokhutlo society 9 Lemme ga le bolae … E rile morago ga go fetsa mophato wa botlhano kwa Lotsane ka 1996, Mme Oiketile Gobonwang a fudugela kwa toropo kgolo Gaborone ka tsholofelo ya gore o tlaa feta a bona tiro gore le ene a kgone go oba letsogo. Mme Gobonwang a re o ne a seka a ipona tsapa, moso le moso a kubuga a tsena mo madirelong ka go farologana a batla tiro mme a sa e bone. A re e ne e re fa a re o segofetse a bo a bone tiro ya nakwana. Mme Gobonwang yo jaanong a leng dingwaga tse di masome a mararo le bone a re go tsoga ga gagwe ga letsatsi le letsatsi go ne ga felela go mo kokonela ka a ne a sa bone se a se batlang. A re e rile ka ngwaga wa 2009 a boela gae kwa e rileng a tsena teng a seka a nna fela. O boletse gore o ne a ipulela semausu mo lwapeng a rekisa dimonamone, dichips le diunits gareng ga tse dingwe. Mme Gobonwang a re lemme le kgwebo ya gagwe e le mmusetsang le tokafatsa botshelo jwa gagwe thata. A supa fa mo nakong ya gompieno a na le bana ba le bane mme mo go bone ba le babedi a ba itsenyetsa sekole ka bonyennyane joo fa ba bangwe ba santse ba ise ba tsene sekole. A re o kgona go ba duelela sekole, go ba rekela paka ya sekole, melora ga mmogo le dijo. Mme Gobonwang o supile fa a ikiteile sehuba gore kgwebo ya gagwe e seka ya phutlhama. A supa fa gape a le pelotelele e bile a le lorato mo bareking ba gagwe. A re gape ga a ke a letlelela seemo sepe go mo raela gore a felele a dirisitse madi mo ditirong tse di sa lebanang. Mme Gobonwang o ne a rotloetsa banana ba bangwe gore ba seka ba nyatsa dikgwebo tse dipotlana a re fa ba sa bone ditiro tsa sennela ruri ba inaakanye le dikgwebo tseo go inamola lehuma. O ne a kgala bontsi ja banana ba ba ineeletseng go nna kwa ditoropong mme ba sa bereke a re ke bone ba e reng ka moso ba bo ba inaakantse le ditiro tse di duleng mo tseleng jaaka bogodu le go gweba ka mmele. E ntse e le kwa motseng wa Moshopha, mogwebi yo mongwe yo mmotlana, Mme Oduetse Pulankgodise yo o dingwaga tse di masome a mararo le borobabongwe o supile fa ene a inaakantse le kgwebo ya go rekisa merogo le maungo. crime_law_and_justice 1 Ba metse e e kgakala le ditlamelo ba reketswe leruo Modulasetilo wa khansele ya Legare, Rre Lesego Raditanka a re banni ba metse e e kgakala le ditlamelo ba reketswe diruiwa mo ngwageng wa madi wa 2013/14. O buile se mo pegong ya gagwe fa a ne a simolodisa phuthego ya khansele ya Legare ka Mosupologo, Mopitlo a tlhola malatsi a le lesome. A re go ntshitswe madi a a fetang sedikadike go reka diruiwa go ralala kgaolo ya Legare e e nang le dikgaolwana tse supa. A re dikgaolwana ka bontsi di setse di feditse go rekela banni leruo, kwa ntle ga ya Boteti, e theko ya yone e diilweng ke leuba le le tsereng nako. O tlhalositse fa theko ya leruo kwa kgaolong eo e solofetswe go wediwa kgwedi ya Mopitlo e ya fifing. Fa ama tsa nyeletso lehuma, Rre Raditanka o tlhalositse fa lenaneo leo le maikaelelo a lone e leng go rutuntsha batlhoki ka fa ba ka iketshang mo lehumeng ka teng, le le ka fa tlase ga lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, le thapile batsamaisi ba nakwana ba lenaneo leo ba le borobabobedi go thusa go isa ditirelo kwa bathong. A re kgaolo e sa tswa go tshwara diithutuntsho tsa nyeletso lehuma kwa motseng wa Jamakata mme a akgola bao ba ba ntseng le seabe mogo baakanyetseng tiro eo. Raditanka o ne a tswelela a re fa e sale ofisi ya dikgang tsa bong e tlhamiwa ka ngwaga wa 2007, e thusitse batho go simolodisa madirelo ale masome a mararo ka madi a a fetang didikadike dile nne mme a re mo bogompienong ke madirelo ale lesome fela a dirang sentle. A re se se dirwa ke ntlha ya gore gona le dikgwetlho tsa tlhaelo ya bodiredi, boitseme jwa bao ba ba thusiwang go ikinola mo lehumeng gareng ga tse dingwe. Modulasetilo o tlhalositse gore le fa go ntse jalo, go na le dikgato tse di tlaa tsewang go baakanya seemo seo, jaaka go netefatsa gore bao ba ba filweng dithuso ba bewa leitlho, go netefatsa gore madirelo a tsamaisiwa sentle le gone go oketsa bodiredi ka go thapa badiri ba nakwana bale babedi ba ba itebagantseng le nyeletso lehuma. BOKHUTLO society 9 Mapodisi a rotloetsa ngwao Mapodisi a Sejelo mo Kanye a sa tswa go rotloetsa ngwao ya Sengwaketse ka go supa kapari, dijo, poko le metshameko. Motswarelela kgosikgolo ya Gangwaketse, Kgosi Kwelagobe Mookodi, o galaleditse mapodisi a Kanye, a bolela fa ba dira sentle ka go supa ngwao mo tirong, go nna sekao mo badirelapusong ba bangwe fa ngwao e le pinagare ya setshaba sengwe le sengwe. Kgosi Mookodi o boletse fa Tautona a rata ngwao mo go itumedisang, ke ka moo magosi le one a mo emeng nokeng thata, ka go rotloetsa ngwao e e setseng e nyelela ka monokela. O boletse fa dikgosi di ne di bolotsa mophato, bogwera, bojale le go kua dikgafela e le ngwao e batsogapele ba tswang kgakala ka yone. O boletse fa badirelapuso ba tshwanetse go supa dingwao tsa bone ka gore ba bereka ba farologane. O boletse fa bogologolo ngwana wa mosimane a sa tswelwe ke letsatsi mo ntlung. O boletse fa mo ngwaong, mosadi fa a itsholofetse a sa ralale dikgomo ka gore ga go a siama dikgomo di ka lwala. Kgosi o boletse fa go ya kwa dintshong go na le kapari ya teng, fa morafe wa Basarwa o na le ka fa o dirang ka teng mabapi le go alafa le go tsoma. O boletse fa bogologolo bana ba ne ba sa je telele le diphilo. Kgosi o boletse fa setilo sa dikgole e le sa borre fa diphate e le tsa bomme. A re ka Sengwaketse nyalo ya teng, monna o ntsha kgomo tse di ferang bobedi le mokwele. O ne a tlatsa ka go re mosadi ke thari ya setshaba. Mogolo wa motse, Rre Motswakgakala Sealetsa o boletse fa bogologolo borukutlhi bo ne bo se bontsi, ka gore go ne go na le ka fa morafe o thayang malwapa ka teng ka melemo wa Setswana. Rre Sealetsa a re go ne go sena setsidifatsi mme bagologolo ba ne dira gore dijo di bolokesega, jaaka nama e dirwa digwapa, lengangale go tswa mo lerotseng, tshwabi le madila. O boletse fa sekole sa bojale le bogwera go ne go rutwa bana go itshwara sentle ka molao wa Setswana, fa botsetse bo ne bo beiwa ke bagolo bogolo basadibagolo, go ne go beiwa mopako fa kgorong. Go na le Setswana se se reng ‘go loma sebetlela’ pele ga motho a beiwa setsha. Seo go dirwa gore malwapa a lomagane thata. arts_culture_entertainment_and_media 0 Ikwadisetso ditlhopho e bonya kwa kgatleng Mogolwane wa lekgotla la ikwadisetso ditlhopho la IEC kwa kgatleng, Rre Boemo Mpolokeng a re setshaba se ikwadisetsa ditlhopho tsa tlaleletso ka boutsana. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Mpolokeng a re ba lemogile fa tshologelo e e kwa tlase e e se fela mo kgaolong ya Kgatleng mme e le selo se se anameng le lefatshe leno lotlhe. Rre Mpolokeng a re ga ba kake ba re setshaba ga se itse ka ikwadiso ya tlaleletso e ka gonne ba e anamisitse thata ka dipampitshana le ka digoagowe maitseboa mangwe le mangwe. A re setshaba se fa mabaka a farologaneng a go tlhoka go ikwadisa mme segolo ba re go tlhopha ga go na mosola. A re go tlhoka go ikwadisa ga batho bao go dira gore ba itlhokomolose maikarabelo a bone mo setshabeng, a go tsaya karolo mo go tlhopheng yo o etelelang lefatshe. A re ngongora ya bangwe ya gore mapolotiki ga a ba direle sepe, ga se e e ka rarabololwang ke lekgotla la IEC. A re se ba ka se dirang ele lekgotla ke go kgothatsa Batswana go ikwadisa gore batle ba tlhophe puso e ba e batlang. A re tlhopho ya bone ke yone fela e ka ba buelelang. A re lekgotla la IEC le ne la inaakanya le batsaya-karolo ba bangwe jaaka makgotla a babereki, baruti le mapolotiki go thusa go rotloetsa setshaba go ikwadisa. Bokhutlo politics 7 St John e tshwere dikgaisanyo tsa moopelo wa sedumedi Kereke ya St John ya kgaolwana ya Palapye e simolodisitse moopelo wa sedumedi kwa Palapye, ka banana ba yone ba khwaere ya Bana ba Lesedi o o bidiwang Clap and Tap Extravaganza. Meopelo o o neng o ngokile dikhwaere tse dingwe tsa kereke eo go tswa Maung le mafelo a mangwe, le dikhwaere tsa dikereke tse di neng di laleditswe kwa dikgaisanyong tsa moopelo tsa ntlha tse maikaelelo a tsone e leng go kgobokanya madi a a tlaa thusang mo go agweng ga kereke ya kgaolo ya Palapye. Maikaelelo magolo a moopelo oo, ke go itebaganya le twantsho tiriso ya ditagi le botlhoka tsebe jwa banana. Mothusa tona wa lephata la Peeletso, Papadi le Madirelo, yo gape e leng mopalamente wa kgaolo ya Palapye, Rre Moiseraele Goya a re lekwalo la ga Samoele wa bobedi, kgaolo ya bosupa temana ya botlhano la re ‘ya o ree motlhanka wa me Tafite o re Jehofa o bua jaana a re a o tlaa nkagela ntlo ya go tla ke aga mo go yone’ fa ya borataro e re, ‘go nne e sale ka letsati le ke ntshitseng bana ba Iseraele mo Egepeto ka lone, nako ke eno ga ke ise ke age mo ntlong, ke ntse ke tsamaya mo mogopeng le mo motlaaganeng fela.” Rre Goya a re mafoko a, a lebane gore a e le ruri go tlaa arelwa Jehofa ntlo e a tlaa nnang mo go yone mme tumelo ya gagwe ke gore ke one maikaelelo a bone e le banana go aga ntlo ya kobamelo. A re letsema le thata ka mong, ba dire dipampitshana tse mo go tsone mongwe le mongwe a tlaa ithaopelang go ntsha setena ka maikaelelo a go agela Jehofa, mme ene a rotloetsa ka go ntsha P1 000 e le tsimololo ya loeto lwa kago ka go reka setena. Mogolowane go tswa kwa khamphaneng e e dirang ditena ya Makoro, Rre Nicholas Moupanaga o tlhalositse fa go tswa goo-lowe, ’sika loo motho le tshela ka mofufutso wa phatla, go ntse go na le ba-tswa setlhabelo ba ba neng ba swela dibe tsa mongwe le mongwe gore a bolokwe. Rre Moupanaga a re ditsamaiso le kotlhao di ne di le teng go ruta le go rotloetsa ’sika loo motho gore le seka la swela mo dibeng. A re setlhogo sa bokopano joo sa Maoto a Nong ke Phofa, se lebane ka banana e le bone ba amegang bobe mo go timelelweng ke tsela mme ba iphitlhele ba inaakantse le ditiro tse di duleng mo tseleng, mme ka meopelo, ba ka agwa gore ba tswele kereke mosola ka go dira jaaka ba simolotse jaana. Rre Moupanaga o gateletse botlhokwa jwa go itsaya tsia ga banana, go tlotlana le go tlotla bagolo gore ba kgone go tsholetsa serodumo sa kereke mme a re ba ka kgona go dira jalo ka go nna le lerato ka ke lone le ka ba bayang mo seemo sa go tlhaloganya le go itse bogolo jwa Modimo. O rotloeditse tiriso ya mananeo a puso go itlhabolola, mme a ikabela kereke go e ema nokeng mo kagong. Bishop Titus Makosha ene a re e le baphuthegi ba kereke ya St John, ba eletsa go bona ba aname go ngokela banana mo tumelong le go ba lemotsha ka bogolo jwa Modimo. A re kereke e tshwenngwa ke boitsholo jo e seng jone jwa banana. A re mme fa ba ka amogela Keresete ga bana ba tlhola ba boela botshelo joo. Bishop Makosha a re Palapye o gola thata mme kgolo eo e tla ka di-tla morago tsa gore jaanong e nna makgatlhanela thapong, ditshaba di kopana ka dingwao le mekgwa e e farologanyeng mme mophato o o amegang bobe e nne banana. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Khansele-potlana ya Bobirwa e lekodisa setshaba Letsatsi la mafatshefatshe la mono ngwaga la segopotso sa bolwetse jwa AIDS le tlaa bo le tshwaretswe kwa Bobonong. Modulasetilo wa khansele-potlana ya Bobirwa, Rre Sylvester Masweu a re sebui segolo e tlaa bo e le Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama. O tlhalositse ka Mosupologo fa a lekodisa ka ditiro tsa khansele-potlana eo gape fa dithendara tse di tlaa ntshiwang di tlaa abelwa beng-gae go leka go tsholetsa dikhamphani tsa bone. A re dithendara tseo di tlaa bo di buletswe go fitlhelela Ngwanaatse a le masome mabedi le bosupa. O tlhalositse gore mo ngwageng wa madi wa 2018/2019 go ka nna ga nna le ditiro tse dingwe tsa ditlhabololo. O tlhalositse fa dikago dingwe tsa sekole se sebotlana sa Tshokwe jaaka matlo a borutelo, matlo a barutabana a boroko a saletse morago. Rre Masweu o ne a tlhalosa fa go agwa ga ditirelo tseo go tlaa thusa go rarabolola bothata jo bo ntseng bo le teng. Mo go tse dingwe, modulasetilo Rre Masweu a re go agwa ga kampa ya sepodisi kwa Semolale go tsweletse. Rre Masweu a re go nnile le tiego mabapi le tsa motlakase, mme beng ba dikhamphani ba thulantse ditlhogo go bona ka fa tiro e ka tswelelang ka teng. O boletse fa mo nakong e no go amogetswe dingongorego go tswa mo malwapeng a le makgolo a supa, morago ga go angwa ke ditlhabololo tsa mo motseng. Ba le makgolo a mararo le masome a mararo mo palong eo, ba ne ba phimolwa keledi. Le fa go ntse jalo, tshekatsheko ya dingongorego e santse e tsweletse. Rre Masweu o ne a tsibosa setshaba ka seemo se se kwa Zimbabwe, mme a tlhagisa Batswana go emisa go etela kwa lefatsheng leo go fitlhelela seemo sebepa.BOKHUTLO education 4 Morafe o lebogela tirisano le mopalamente Kgosi John Seabe wa Botshabelo kwa Selebi Phikwe a re boineelo le bopelotelele jwa ga Rre Nonofo Molefhi ke tsone tse di mo kgontshitseng go etelela morafe wa Selebi Phikwe Botlhaba pele. O buile jaana jaaka banni ba kgaolo ya Botshabelo le Ikageleng ba ne ba laela mopalamente wa bone bosheng kwa Selebi-Phikwe. Rre Molefhi o na le dingwaga di le lesome le botlhano e ntse e le morongwa wa bone. A re tshwaragano ya bone le mopalamente e ba kgontshitse dilo di le mmalwa. E rile a ba ema ka lefoko, Rre Molefhi o ne a tlhalosetsa banni ba Botshabelo le Ikageleng fa a tsile go ba laela mme a lebogela tirisano mmogo ya gagwe le bone. Rre Molefhi o ne a supa fa a kgonne ditiro di le dintsi ka kemo nokeng ya morafe le fa tse dingwe di santse di saletse kwa morago, a supa fa ba ba tlaa tlang kwa morago le bone ba tlaa ya go tsweledisa fa a emeng teng. O ne a ba sedimosetsa fa maiteko a go tsosolosa itsholelo ya Selebi Phikwe a tsweletse le ntswa go tsamaya ka bonya. O supile fa tiego e bakwa ke letlhoko la madi gore go tsenngwe ditlamelo di tshwana le metsi, motlakase le kago ya ditsela kwa ditsheng tsa dikgwebo, mme a supa fa go tlaa dirwa jalo mo bogaufing. Rre Molefhi o ne a tlhalosa fa maikaelelo a puso e le go netefatsa gore batho ga ba nne batlhoki ka go ngoka bagwebi ba ba ka tlhamang mebereko ka se se ka imolola puso morwalo wa go tlhokomela setshaba. Mo go tse dingwe, Rre Molefhi o ne a supa fa e ne ya re mo bogaufing a ya go kopana le motlhokomedi wa moepo wa BCL yo o neng a tlhalosa fa moepo o le mo tlhokomelong gore yo o nang le kgatlhego ya go o reka a o fitlhele o siame. O ne a supa fa motlhokomedi wa moepo a na le megopolo e e tsamaelanang le ya puso ka go batla ba ba ka rekang mmu wa BCL ka bofefo mme a tlhalosa fa go setse go na le ba ba supileng kgatlhego mo go one. Rre Molefhi a re se se ka thusa gore e re go santse go letetswe theko ya moepo go bo go na le kwa batho ba tsentseng letsogo teng go itshetsa. Le fa go ntse jalo, Rre Molefhi o ne a tlhomamisetsa morafe fa a tlaa tsweledisa tiro e a ntseng a e dira ya go rotloetsa maduo a mantle a dikoleo tsa SelebiPhikwe ka go abela dikole le bana ba ba dirileng sentle mo ditlhatlhobong tsa makgaolakgang. E rile ba akgela mo mafokong a ga mopalamente, mongwe wa bagolo Rre Omponye Ditau o supile fa ba tswa kgakala ba kopa gore palamente e supiwe mo setshwantshong sa motshikhinyego go bona gore a ba ba ba romileng ba dira tiro, mme nako kgolo ke eno. Mme Susan Batshedi o ne a supa fa melala ya madi a a kolotwang a ditirelo kwa khanseleng a le kwa godimo mo ba sa kgoneng go a duela ka ntata ya letlhoko la madi mme a kopa puso go ba thusa go duela. Ratoropo wa Selebi Phikwe Rre Molosiwa Molosiwa o ne a gakolola morafe fa nako ya ditlhopho e le gaufi mme a kgothatsa ba ba ikwadisitseng go ya go tlhopha baeteledipele ba ba nang le boikarabelo. Rre Molosiwa o ne a ba kgothatsa go tshwaragana le fa go ka bo go na le pharologanyo ya megopolo. A re go botlhokwa go baya lefatshe la Botswana kwa pele ga sengwe le sengwe gore go tswelele go na le kagiso. politics 7 Seabe le tsamaiso ya diphiri di fetogile Go tswa goo-lowe, diphiri di ntse di thusa mo dintshong go epa mabitla ntleng le dituelo dipe, se e le go supa lorato le kutwelobotlhoko mo go ba ba tlhokafaletsweng. Mo segompienong, tsamaiso ya diphiri e fetogile ka bonya ka bonya seabe sa diphiri se simolola go nyelela jaaka muuwane tsatsi le thaba. Mongwe wa bagolo kwa Borolong, Rre Batshani Nawa o tlhaloseditse A re ba biditswe diphiri ka gore phiri ke phologolo e e epang mesima masigo mme e bile go se motlhofo go e bona e dira jalo mme borre ba le bone ba epa mabitla bosigo go se ope yo o ba bonang. O thalositse fa mo malobeng, diphiri di ne di sa gakololwe tiro ya tsone fa go tlhagile loso, ba ne ba tla letsatsi pele ga phitho e bile ba tshwara nako. A re fa dintsho di feta bongwe diphiri di ne di ikgaoganya, tiro ya bone ba e dira dipula di na le go le serame. Yo o neng a seke a itshwenya go ya go thusa a re morafe o ne o mmaya leitlho, mme fa loso le tlhagogile kwa ga bone, borre ba bangwe le bone ba ne ba itulela ba sa e go thusa go epa lebitla. A re malome o ne a ya go thaya lebitla bosigogare, mme a salwe morago ke koloi kgotsa dikoloi tse di pegileng diphiri, mme fa mabitla a le gaufi ba ne ba bopelela ba itaya ka la ga Moshe go ya mabitleng. A re diphiri di ne di lala di epa lebitla bosigo ba gotsitse molelo go ba bonesetsa, ba sa tshwanela go tswelwa ke letsatsi kwa mabitleng. E ne e le moila go bona diphiri, yo o ka ba welang ka phoso o ne a tshwanelwa ke go sia la mmutla o alotswe ke dintša. Rre Nawa a re fa diphiri di epa, go ne go nna le monnamogolo mongwe yo o di tlhokometseng gore ba epa sentle ebile ba itshwara sentle, a gatelela fa yo o dirang maitseo a a makgasa a ne a kgwathisetswa gone kwa mabitleng. Rre Nawa a re diphiri di ne di goroga kwa lwapeng makuku, ba fithela ba apeetswe dijo tse ba neng ba di ja ba le nosi, ba sa tlhakane le morafe fa ba a ja. A re ba ne ba apeelwa podi le letsogo la kgomo ka go ne go dumelwa gore fela jaaka phiri ya phologolo, ba rata nama bobe. Mo malobeng a re seabe sa diphiri se ne se bonala, e bile ba tlotlwa ka go bo ba ne ba rotloetsa mowa wa boithaopo, kutwelobothoko le lorato. Rre Nawa o tlhalositse fa gompieno seabe le tsamaiso ya diphiri di fetogile, borre ba sa tlhole ba ithaopa. A re mowa wa boithaopo o fokotsegile ka batho ba eteleditse madi pele, ba batla go duelelwa go epa mabitla. Tlhaelo ya diphiri a re e feletsa e baka gore bangwe ba felele ba ikanya go thapa katakata go epa mabitla, mme se se ba okeletse ditshenyegelo mo losong. “Diphiri tsa gompieno ba kgona go epa mabitla motshegare ba bo ba pake le majalwa go ya koo, mo go feletsang e nna ga mmapereko kwa mabitleng, ba sa itshware sentle mo ba kgonang le go lwa, se e bo e se go tlotla loso,”Rre Nawa a supa. A re Batswana fa ba ka seke ba itharabologelwa, diphiri di ka felela di nyeletse mme se, se oketse ditshenyegelo tsa loso ka go thapa ba ba epang mabitla, e bile go ka bolaya mowa wa lorato le boutwelobothoko o o neng o supiwa ke morafe mo dintshong. society 9 BBS e abela lekgotla Banka ya Botswana Building Society (BBS) e abetse Bobonong Home Based Care dikete tsa dipula di le lesome. Fa a bua kwa kabong eo, mogolwane wa banka eo kwa Selebi Phikwe, Rre Shatani Tafila o tlhalositse fa madi ao a a tlaa dirisiwang mo kagong e e tsweletseng ya bana ba dikhutsana le banalebogole. Rre Tafila o tlhalositswe fa go agiwa ga kago eo go tlaa thusa dikhutsana le banalebogole go anya dikitso tse ba tlaa di dirisang go tokafatsa matshelo a bone. Fa a tswa la gagwe, Rre Philip Mabeyana yo e leng leloko la Bobonong Home Based Care o lebogetse madi ao, a tlhalosa fa madi ao ba tlaa dirisa mo ditirong di tshwana go penta kago eo le go tsenya floor tile. O supile fa kompone ya ZAC Construction le yone e sa ipona tsapa ka e ne ya ba thusa ka go epa fa ntlo e simologa go agwa gammogo le go baakanya lefelo le kago e leng mo go lone ka mmu wa teng o le seloko. Mokhanselara wa kgaolo ya Mabumahibidu mo Bobonong, Rre Gabaitse Mathengwane a re go neela banalebogole le dikhutsana dithuto go ka ba tswela mosola fela thata. O kaile fa lefatshe la Botswana le lone le ka anya go le gontsi thata mo dikitsong tsa banalebogole. society 9 Go rekisa dijo tsa mophako ke molato Kgosi Basadi Seipone wa Kang a re o tshwenngwa ke batlhoki ba ba sa tshwareng dijo tsa mophako sentle. Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Seipone o buile a sa kgwe mathe gore go tlhabisa ditlhong gore bangwe batlhoki ba rekisa dijo tsa mophako ka maikaelelo a go reka dinotagi. A re batlhoki ba go nna jalo go le gantsi ba nwa dijo tseo. Kgosi Seipone a re go botlhokwa gore botlhe ba ba thusiwang ke puso jaaka batlhoki, ba-na-le bogole le masiela ba tlhokomele lemmenyana le puso e ba thusang ka lone gore bana ba bone ba seka ba wela mo isong. Kgosi o tlhalositse gore puso e dirisa madi a mantsi go neela ba ba amegang dithuso. Kgosi o supile gore ba ba tlaa fitlhelwang ba rekisa dijo tseo ba tlaa tseelwa kgato. A re le ba ba rekang dijo tseo ba tshwanetse go gagamadiwa phogwana ka ba rotloetsa mokgwa o o sa siamang mo sechabeng. Kgosi Seipone a re go dira jalo ke bonweenwee le go gopela itsholelo. Le fa go ntse jalo, Kgosi Seipone o lebogetse badiri ba boipelego ba kgaolo-potlana ya Hukuntsi go bo ba ne ba phuthile batlhoki, ba-na-le bogole, masiela ga mmogo le bagodi go ba ruta ka tiriso ya karata e e tsayang dijo tsa mophako ya Zebra. A re selo seo ke maiteko a a tshwanetseng go iteelwa legofi ka go lebega thuto e ntse e tlhaela mo bangweng ba ba thusiwang ka mophako. ENDS society 9 Ba kopiwa go dirisa komiti ya botsogo Banni ba kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami ba kopiwa go nna ba ikgolaganya le komiti ya bogakolodi jwa tsa botsogo fa ba na le matshwanyego mabapi le tsa botsogo. Mo potsolotsong, modulasetilo wa komiti eo kwa kokelong ya Sefhare, Rre Tshupo Noge, a re komiti ya bone ga e kgotsofalele ka fa morafe o e dirisang ka teng le ntswa bontsi jwa batho bo na le matshwenyego. Rre Noge a re komiti ya bone e ka fa molaong e bile maloko a rutuntshitswe go ka rarabolola bontsi jwa dikgwetlho tse morafe o kopanang le tsone mo dikokelong kgotsa mo dikokelwaneng. Ka jalo a re morafe o seka wa nyatsa sepe, a tlatsa ka go re o maswabi ka gore le fa ba bitsa diphuthego mo dikgotleng ka maikaelelo a go tla go tlhalosetsa morafe ka fa komiti e berekang ka teng, batho ga ba tle. Rre Noge o tlhalositse fa kokelo ya Sefhare e le yone e tona mo kgaolong, ka jalo e amogela balwetse botlhe go tswa kwa dikokelwaneng tsa metse e e mabapi. O ne a supa fa motse mongwe le mongwe o na le kemedi mo komiting eo, a bo a rotloetsa morafe gore o netefase gore o itse moemedi wa bone le go itsalanya nae. A re botsogo ke selo se se tlang pele mo mothong, ka jalo go botlhokwa go tsibogela matshwenyego a botsogo ka nako. A re go sa ntse go na le batho ba ba kgonang go tshaba go tsena mo diofising tsa maphata a botsogo go ya go botsa ka sepe fela se se amang botsogo le fa motho a tlhoka kitso ka bofefo mme a re batho ba go nna jalo ba ka bona thuso mo komiting ya bogakolodi. Rre Noge o ne a kopa tirisano mmogo e e tseneletseng mo morafeng. A re tshwaragano ya komiti le morafe e ka lere maduo a a botoka mo botsogong jwa mongwe le mongwe.BOKHUTLO health 6 Khansele ya Selebi Phikwe e a alosa Baithuti ba le masome mabedi le botlhano ba alogile morago ga gore ba tsene dithuto tsa thuto ya ngwana go tswa kwa moding ka thuso ya khansele ya Selebi Phikwe. E rile a amogela dialogane le baeteledipele ba toropo ya Selebi Phikwe ba ba neng ba tsene moletlo wa go aloga ga baithuti kwa Anne Adams Park, mothusa mokwaledi wa khansele ya Selebi Phikwe, Rre Shadrek Selelo a tlhalosa fa puso e leka ka ditsela tsotlhe gore Motswana mongwe le mongwe a kgone go bona thuto. Rre Selelo o ne a supa fa puso e rotloetsa gore bana ba simolole go rutwa ba santse ba le kwa tlase ka dingwaga gore ba kgone go bulega ditlhaloganyo pele ba ya go dira mophato wa ntlha. Rre Selelo o ne a re go netefatsa seo, e le ba khansele ya Selebi Phikwe e ne ya re ka Phatwe ba simolodisa dithuto tse di tsereng dikgwedi tse tharo go rutuntsha baithuti se e le go diragatsa maitlamo a puso. E rile a tswa la gagwe, mokgothatsi wa letsatsi, Rre Kenneth Mogapi yo e leng mantswitswidi wa thuto e bile e le mokwadi o ne a gakolola dialogane fa se e le tshimologo ya botshelo ka ba tshwanetse go gatela pele ba ikopanya le ba Botswana Open University go oketsa se ba setseng ba se ithutile. Rre Mogapi o ne a supa fa thuto ya bana ba ba santseng ba le babotlana e se motlhofo ka ditlhaloganyo tsa bone di a bo di santse di gola e bile ba tlhoka tlhokomelo e e tseneletseng mme a rotloetsa dialogane go nna le lorato ka se ba batlang go nna sone. Mongwe wa dialogane, Mme Boitumelo Keboifile o ne a supa fa ba ithutile go le gontsi ka tlhokomelo le kgodiso ya ngwana le ka fa a ka thusiwang ka teng gore a kgone se a batlang go se dira. Mme Goitsemodimo Mhlanga yo le ene e neng e le mongwe wa dialogane, o ne a supa fa se a se ithutileng a setse a se dirisa go thusa ngwana wa gagwe tiro ya sekole mme maduo a setse a bonala. Kwa bofelong modulasetilo wa thuto kwa khanseleng ya Selebi Phikwe, Mme Dorcas Letlhogela o ne a kgothatsa dialogane go ikopanya go dirisa mananeo a puso go itlhamela mebereko ka mo nakong ya gompieno go le thata go bona tiro. BOKHUTLO education 4 Baji-bareki ba tshwanetse go itse ditshwanelo tsa bone Mothusa mookamedi wa lephata la papadi le merero ya baji-bareki, Mme Kemmonye Keitsile a re go tlhokega gore baji bareki ba rutwe ditshwanelo tsa bone. Fa a bua mono Gaborone kwa thutopuisanyong ya letsatsi la mafatshe la ditshwanelo tsa baji-bareki, Mme Keitsile o boletse fa baji-bareki ba tlhoka go tlhabololwa ka ba lebanwe ke dikgwetlho mo mmarakeng wa boranyane. A re batho ba ba dirisang mmaraka wa boranyane ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le go dirisa dikhomputara go tsietsa, go tsietsa ka tiriso ya boranyane, le go tlhoka go direla mo pontsheng ga barekisi. O kgothaditse badirisi go nna kelotlhoko fa ba reka dilwana le ditirelo. O kopile dikhamphane tsa ditirelo go tswa ka ditsela tse di farologanyeng tsa go tiisa ditshwanelo tsa baji-bareki, ka jalo ba ntlafatsa mebaraka ya boranyane. Fa a tswa la gagwe, mothusa mookamedi wa Botswana Communications Regulatory Authority (BOCRA), Rre Aaron Nyelesi a re le fa baji- bareki ba lebanwe ke dikgwetlho, ba botlhokwa mo go tsweleleng ga itsholelo. Rre Nyelesi a re mmaraka wa boranyane o na le tse di siameng le tse di sa siamang, a re BOCRA e tlhometswe go ntsha ditirelo tse di babalesegileng, di ikanyega, e bile di sa ture. O kopile baji bareki go kopana go sekaseka dikgwetlho tse di ba lebaneng mo mmarakeng le go lwela dikgato tse di maleba go baakanya seemo. Segopotso seo se ne se tshwerwe ka setlhogo se se reng, ‘Go Dira Mebaraka ya Maranyane e e Tshephegang’. A re setlhogo seo se maleba gonne boranyane bo naya badirisi sebaka sa go tlhopha le go dira ka thelelo gonne dilwana le ditirelo di rekisiwa ka boranyane jwa dikhomputara. economy_business_and_finance 3 IEC e kopa megopolo Lephata le le tsamaisang ditlhopho la Independent Electoral Commission (IEC) le kopile makhanselara a Palapye go le thusa ka megopolo mabapi le go sekaseka mafelo a ikwadiso le matlhophelo Mogolwane wa ofisi e e tlhophisang mo Palapye, Rre Molatlhegi Baloi a re ofisi ya gagwe e sekaseka mafelo mangwe a botlhophelo go bona gore a ka tokafadiwa kana a sutisiwa jang. O ne a kopa phuthego ya khansele go thusa mo tirong e ka megopolo ka e le bone ba nang le seabe se segolo mo dikgaolwaneng tsa bone tsa botlhophi gape ba na le kitso e ntsi ka dikgaolo tsa bone. O ne a bua gape a re molao o o tsamaisang ditlhopho o neela mokwaledi wa ditlhopho tetla ya go sekaseka gore a melelwane ya mafelo a matlhophelo e siame mme fela melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi e ka seke e fetolwe fa e se fela palamente e ka ntsha taolo ya gore go nne jaalo. O ne a kopa gore megopolo e e ntshiwang e dirwe ka mekwalo mme e romelwe kwa ofising ya IEC. A re megopolo eo e tlaa amogelwa go fitlhela letsatsi la bofelo la kgwedi ya Lwetse gore ofisi ya gagwe e tle e nne le nako ya go sekaseka mafelo a teng. O ne a tswelela a bua ka gore tiriso ya ditante mo matlhophelong e siilwe ke nako ka jalo fa go na le dikago dingwe mo dikgaolong tsa ditlhopho di dirisiwe mo boemong jwa ditante. Makhanselara a dikgaolo tse di farologanyeng a ne a dumalana le gore ditante di siilwe ke nako gape di na le dikgwetlho jaaka go tlhoka ditlamelo gaufi le tsone, letlhoko la metsi le motlakase gape di tshabelelwa ke go wa fa go le diphefo le dipula mme di tlhoke batho ba ba ka nnang ba di tlhoma. Ba ne ba tshwaela gape gore tiriso ya ditante e na le ditshenyegelo tse dintsi fa di isiwa kwa matlhophelong di bo di tsewa. Bontsi bo ne jwa tsibogela seemo se. Mokhanselara wa Lerala Bophirima Rre Gabagopole Sebele o ne a ntsha mogopolo wa gore ene le ba kgaolo ya gagwe ba tlaa tsibogela seemo se kago aga maobo a dikgotlana gore ka nako ya ditlhopho a dirisiwe e le mafelo a botlhophi. O ne a re ba tlaa rulaganya go buisana le lekalana la IEC gore ba kopanele ditshenyegelo tsa kago mme ba bo ba dirisa Ipelegeng go aga. Mokhanselara wa Khurumela Rre George Makhura o ne a ntsha mogopolo wa gore go dirisiwe dikharavene. O ne gape a ntsha matshwenyego a gore matlhophelo mangwe a bapile mo dikgaolong dingwe tsa botlhophelo. Mokhanselara wa Serorome botlhaba RreTebogo Apei ene o ne a tlhalosa fa matlhophelo a a beewang mo dikerekeng a le dingalo ka gore batlhophi bangwe ba gana go tsena mo dikerekeng mme ba ye go batla matlhophelo a ditante. O ne a tlhalosa fa a itemogetse seemo se ka matlhophelo mangwe a mabedi a a neng a beilwe mo dikerekeng mo kgaolong ya gagwe. Fa a ntsha la gagwe, Mokhanselara Raboloko o ne a re batho ba tlwaetse go tlhophelwa mo ditaenteng. BOKHUTLO politics 7 Masisi o dumalana le ba Manyana Mopalamente wa Moshupa, Rre Mokgweetsi Masisi a re seemo sa go tlhoka go abelwa lefatshe kwa Manyana ga se itumedise. O buile jalo kwa phuthegong ya kgotla kwa Manyana bosheng kwa banni ba ngongoregileng thata ka sebaka se se leele ba sa abelwe ditsha ka gore go santse go dirwa ditlhotlhomiso kwa motseng oo mabapi le gore lefatshe le seloko ebile le ranyega. Banni ba ne ba ngongorega thata gore palo ya bone e a ngotlega fa bangwe ba kopa ditsha kwa Mmankgodi, Thamaga le Ntlhantlhe. Ba boletse fa bana ba bone ba sa itse gore ba tla aga kae ka gore ditlhotlhomiso di tsere lobaka thata. Ba kopile gore segolo ba abelwe ditsha fa godimo ga thaba ee mo motseng wa bone ka e siametse dikago. Banni ba bile ba bolela fa ba ipaakanyetsa go rwala ditlhako go isa ngongora ya bone kwa go mothusa tautona gore a leke go rarabolola kgang ya bone. Rre Masisi, yo gape e leng tona wa ofisi ya Merero ya Ofisi ya ga Tautona le Bodirela Puso, o ba boleletse gore o dumalana le bone gore kgang e e kgologolo ebile ka e le Batswana ba na le tshwanelo ya go fetela kwa go mothusa tautona ebile o ka ba thusa go bua le ene. O boletse fa a le moemedi wa bone mme a na le bone mo dikgannyeng tsotlhe tse di sa ba tseyeng sentle. O boletse fa kgolo ya motse e ba beile ka fa mosing e bile a kaya fa ditlhabololo go dirwa mo lefelong go lebilwe dipalo tsa batho. O boletse fa puso e dirle go le go tona go tlhabolola matshelo a Batswana fa go tshwantshanngwa le nako ya fa Botswana a ne a tsaya boipuso. O boletse fa nako eno kwelo tlase ya itsholelo e amile thata ditlhabololo dingwe tse di neng di le mo lenaneong di tshwanetse go dirwa, mme a bolela fa a neetswe boikarabelo ja go tsamaisa lenaneo la nyeletso lehuma la nta ya tlhogo. O kopile banni ba Manyana go akola lenaneo leo thata ka gore le tlhabolola matshelo a Batswana ba ba amilweng thata ke lehuma. O boletse fa madi a lenaneo a le teng a emetse mongwe le mongwe yo o tshwanelwang ke lenaneo. Ba lekgotla la kabo ditsha la Moshupa ba boleletse banni gore seemo sa go ranyega ga lefatshe go dirile gore ba emise go aba lefatshe, mme ke tumalano ya bone le morafe wa Manyana. Ba dumalane gore go diegile ka gore baba tlhotlhomisang ke ba Geological Survey (GS) mme bodiredi jwa teng ke jone bo diegang ka ditlhotlhomiso, legale ba rile ba tla ba sala morago. Kgosi Kebinatshwene Mosielele wa Manyana o boleletse tona fa leuba le ba apesitse kobo ka letshoba dikgomo tsa bone di e swa ka bontsi. Kgosi o kopile gore batho ka bontsi ba ikwadisetse ditlhopho ba bo ba tlhophe batho ba ba nang le boleng ka ba itse bokgoni ja banni ba motse wa Manyana. Le ene o ne a ngongorega ka go tlhoka go abelwa lefatshe ka tiego ya ditlhotlhomiso le gore mmu wa bone o seloko. O boletse fa ditlhabololo di eme fela ka gore motse ga gona kwa o golelang teng. Banni ba ngongoregile gape ka tlhaelo ya metsi. Bokhutlo politics 7 Red Cross e akgolelwa thuso Mokgatlho wa Red Cross o akgoletswe thuso ya potlako ka nako ya dibetso tsa tlholego kwa Zoroga. Modulasetilo wa komiti ya motse ya Red Cross kwa Zoroga, Rre Kesetselemang Thanke o supile fa lekalana le, le tswa kgakala le ba thusa fa ba wetswe ke seru, a supa gore bosheng ba amogetse dithuso tsa didirisiwa tsa mo lwapeng e bong dikobo, materase, melora, diemere, dikupu, diharaka, digarawe. O tlhalositse fa banni ba le lekgolo ba amogetse dilwana tseo. A re mo nakong ya gompieno ba Red Cross ba agela malwapa a a senang boroko matlo a nakwana mme ba setse ba kgonne go agela malwapa a le lesome le botlhano. A re ba thusa banni ka potlako gore ba kgone go nna fa go sireletsegileng go santse go batlwa tharabololo ya sennela ruri. O kopa Batswana le dikhamphane ka go farologana go thusa ba ba wetsweng ke seru ka puso e le nosi e se kake ya kgona. A re letlhoko le letona ke la boroko ka matlo a ole mme go sena kwa ba ka bonang madi teng gore ba age. Mongwe wa banni Mme Temogo Agha a re o itumetse thata go bo a abetswe dilwana tse a ka tsweledisang botshelo ka tsone morago ga gore a latlhegelwe ke tse dingwe ka nako ya dibetso tsa tlholego. O supile fa lemme le sa bolae go bolaya lefifi le gore ngwaga ono a sa bona thobo ntateng ya seru se se ba wetseng. health 6 Kotsi e gapile botshelo jwa monna Monna wa dingwaga tse di fa gare ga masome mararo le botlhano le masome mane o tlhokafetse morago ga koloi e a nneng a tsamaya ka yone e pitikologe mo tseleng ya Ghanzi le D’kar ka Matlhatso ka nako ya bongwe motshegare. Mo potsolosong le BOPA, Superitedent Modiro Lekone a re monna yoo o ne a tswa kwa D’kar a ya Ghanzi fa kotsi e diragala a bolela fa a ne a ragosediwa kwa kokelong kwa ba bongaka ba neng ba rurufatsa fa a tlhokafetse. Superitedent Lekone a re moswi o ne a tsamaya ka koloi ya modiro wa Altezza mme o ne a latlhagelwa ke taolo mme ya pitikologa, a supa gape fa koloi eo e ne e nale mopagami yo mongwe yo e ne a robaditsweng kwa sepeteleng sa Ghanzi ka dikgobala mo leotong la molema le letsogo la molema. Rre Lekone a re moswi e ne e le mooki kwa kokelwaneng ya D’kar, a supa fa setopo se isitswe Gaborone go ya go tlhatlhobiwa ke ba bongaka, le gore leina la moswi le santse lobilwe go fitlhelela ba losika ba itsisiwa. O boletse fa kotsie, e le ya bobedi go diragala mo tseleng ya Ghanzi le D’kar fa mo kgaolong e le ya boraro, ka jalo a kopa bakgweetsi go o bamela matshwao a tsela go tila dikotsi, a gakolola gape fa tsela ya Ghanzi le Kuke le yone e tletse diphologolo ka jalo ba tshwanetse go nna keletlhoko fa ba e dirisa. O gakolotse bakgweetsi go dirisa mabantle a itshireletso fa ba kgweetsa ka dikotsi tse pedi tse di diragetseng motseleng eo bakgweetsi bao ka bobedi ba ne ba sa dirise mabantle ka gore dikoloi tseo di ne tsa ba kgwa. Mo kgannyeng tse dingwe a re ba tlhotlhomisa modiri wa lephata la dikgologelo yo o berekelang mo Ghanzi yo o fitlhetsweng ka setlhatsana se go belaesegang e le motokwane morago ga go mo tshwara mo maemelong a dibese tsa Setshaba. Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Kereke ya Galalea e abela batlhoki E ne ya re bosheng maloko a kereke ya Galalea go tswa mo mafelong a a farologaneng a lefatshe leno ba bo ba kgobakanetse kwa Tshidilamolomo go abela bana ba le lesome le boferabobedi ba masiela le ba bangwe ba ba tlhokileng lesego mo botshelong jaaka ba ba tshelang ka bogole gammogo le bagodi dikobo, melora le dijo. Fa a buisa baphuthegi bao, tona wa tsa meepo, kgotetso le metsi Rre Kitso Mokaila, o tlhalositse fa go aba e le selo se se botlhokwa se se ka tlisang pharologanyo mo botshelong jwa motho yo mongwe. Rre Mokaila o akgotse boeteledipele jwa kereke ya Galalea le maloko a yone, gore ba diragatsa lengwe la matshego a Tebelelo pele ya 2016, ya setshaba se se kutlwelo botlhoko e bile se kgathala ka matshelo a ba bangwe. Fa a akgela mo tshimolodisong ya kgwedi ya merapelo, o tlhalositse fa thapelo e le yone seikokotlelo sa botshelo, a tlatsa ka gore fa go senang thapelo e e lolameng teng, ga go na sepe se se ka robalelwang ke ditlhokwa. Rre Mokaila o kopile phuthego go tsaya boikarabelo mo go tsotlhe tse ba di dirang ka go ineela mo Modimong, ka jaana maikaelelo a go emisa kanamo ya malwetse jaaka HIV/AIDS le Ebola le dihawa tse dingwe e ka atlega, mme lefatshe le tlaa robalelwa ke ditlhokwa. O tladitse dimpho tseo ka dikobo di le masome a mabedi le mephuthelwana ya dijo. Fa a tswa la gagwe, raboipelego wa Barolong Farms, Rre Kgakgamatso Ditshego o tlhalositse fa kgaolo eo e na le batlhoki ba le mmalwa jalo a lebogela seabe se kereke e se ntshitseng. O ba kgothaditse go tswelela ka mowa oo wa go aba mo lefatsheng leno ka bophara. religion_and_belief 8 Magodu a leruo a tlhakaladitse kwa Kang Barui ba Kang mo kgaolong ya Kgalagadi Bokone ba lela sa ga Ragele ka magodu a dikgomo a tsentse lesukuru, ba tswala masaka a bone ka matlhaku. Seo se builwe ke Kgosi Basadi Seipone mo potsolotsong le BOPA, jaaka a ne a tlhalosa fa ba tshwentswe ke go gola ga dipalo tsa bogodu jwa leruo, segolo bogolo dikgomo.. “Magodu ao, ga a utswe a tsaya fela. A utswa le motshegare letsatsi le penne,” ga tshwaela Kgosi Seipone. A re ba itemogetse gore dikgomo tseo, di utswiwa kwa letsheng mme se se ngomolang pelo ke gore magodu a mangwe ba di utswa fa gare ga motse fa tankeng ya sekole se segolwane sa Matsha, ka metsi a a tshologang foo, a oka leruo go tla go nwa. Kgosi o kaile fa monongwaga ofisi ya gagwe e amogetse dikgang di le mmalwa tsa bogodu jwa dikgomo mme tse dingwe di santse di tlhotlhomisiwa ke mapodisi. O tlhalositse fa banni ba ikaegile ka thuo, segolo bogolo ka dikgomo, a re dikeletso tsa barui di tlaa felela di phirimile mme go felele go amile le yone itsholelelo ya lefatshe. O ne a gakolola barua-kgomo le setshaba ka kakaretso go rekegela mokgosi wa mapodisi wa go tlhama mekgatlho ya ntebele ke go lebele, e le tsela ya go ka itepatepanya le seemo se. O ba kopile gore fa ba ka bona motho a gateletse dikgomo tse e seng tsa gagwe ba lome mapodisi tsebe ka bofefo. O ne a gakolola barui go tlhokomela leruo le go tshwaya le go tshuba leruo le santse le le lennye. A re ga ba a tshwanela go baya mo badiseng fela, ka bangwe ba bone ba sa ikanyegeng. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Seemo sa dipilisi se tlaa tokafala Tona wa botsogo, Mme Dorcas Makgato, a re o tla a leka ka bojotlhe go tokafatsa seemo sa tlhaelo ya dipilisi tsa madi a matona mo dikokelong le dikokelwana. Fa a bua kwa diphuthegong tsa kgotla kwa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami bosheng, Mme Makgato o boletse fa kgang ya tlhaelo ya dipilisi e tshwenya fela thata mme e le nngwe ya dikgang tse di mo tafoleng ebile a di tsaya ka mashetla go bona tharabololo. Mme Makgato a re o lemogile fa go na le mofuta mongwe wa dipilisi tsa madi a matona o o nang le dingwaga tse dintsi o dirisiwa mo lefatsheng leno mme lefatshe ka bophara le sa tlhole le di dirisa. Ka jalo a re go nna thata gore lephata la gagwe le kgone go di reka kwa di dirwang teng ka e se gantsi di dirwa. Mme Makgato o boletse fa a ne a tsaya tshwetso ya go kopana le bagolwane ba bongaka mo lephateng la gagwe gore ba sekaseke gore a dipilisi tseo di ka se fetolwe mme tsa emisetswa ka tse di nang le motswako o o tshwanang le tse di ntseng di dirisiwa gore di kgone go bonwa motlhofo. A re o na le tumelo ya gore seemo sa dipilisi tsa madi a a kwa godimo se se tshwentseng thata se tla a tokafala. O tsweletse a re tshwetso e nngwe e a neng a e tsaya ke ya gore dikokelo ka bongwe ka bongwe di kgone go nna le madi a a kwa thoko a se kalokalo a go reka melemo kana dipilisi golo gongwe fa ba ka di bonang teng fa di fedile mme go santse go emetswe gore di rekiwe ka letlole le letona la theko. A re kgang eo e tla a thusa gore balwetsi ba kgone go bona melemo kana dipilisi le fa go santse go emetswe gore ba ba di rekang ka letlole la madi le letona ba kgone go di reka. Mme Makgato yo ebileng gape e le mopalamente wa kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami o ne a itsise banni gape gore o ne a tsaya tshwetso ya gore dikokelo le dikokelwana di nne le madi a a ka baakanyang dikago fa di senyegile mme di sa senyega mo go kalokalo. A re go tlaabo go dirisiwa bana ba ba nang le boitseanape mo motseng go baakanya dikago go na le gore go tsewe tsela e telele ya go baakanya tshenyego le fa e ne e se kalokalo. O ne a rotloetsa setshaba go tsaya boikarabelo ka botsogo jwa sone. A re puso e dirisa madi a mantsi mo malwetsing a a tsenang motho mme a sena dikai. O ne a rotloetsa banni go nna ba itlhatlhobela malwetsi a tshwana le jwa sukiri, kankere le jwa madi a matona. A re go a kgonagala gore molwetsi fa a na le bolwetsi jwa madi a a kwa godimo a kgone go tlogela dipilisi tse a neng a di dirisa fa a ka fokotsa mmele wa gagwe le go ja dijo tse lolameng. A re malwetsi a tshwana le jwa kankere a borai thata ka fa a setse a le mo legatong la bofelo go sena sepe se ba bongaka ba ka se dirang. O boletse fa lephata la gagwe le rotloetsa gore bolwetsi bo kganelwe go tsena motho go na le gore bo tsene moth obo bo bo alafiwa. BOKHUTLO health 6 Bagwebi ba rotloediwa go thusanya Mokhanselara wa Boyei kwa Maun, Rre Ntlogelang Kebonyekgotla, o ikuetse mo bagwebing ba ba tona go thusa ba ba botlana ka madi gore ba kgone go godisa dikgwebo tsa bone. O buile jalo ka letsatsi la ditshupo tsa bagwebi ba ba botlana kwa Maun. Rre Kebonyekgotla a re go botlhokwa go dira jalo gore ba kgone go intsha mo lehumeng le gone go tlhama mebereko. A re ba tsee malebela mo mo bankeng ya Banc ABC e e rotloeditseng ditshupo tseo ka P10 000 go thusa mogwebi yo o gaisitseng ba bangwe. A re dikgwebo dingwe ga di dire sentle ka ntlha ya go tlhoka thotloetso, ke ka moo a kopang tse di itshetletseng go tshwaragana le tse di fatlhogang gore di kgone go gola. Rre Kebonyekgotla o kopile ofisi ya boipelego go atolosa maeto kwa dikgwebong tseo, a tlhalosa fa bangwe ba ntse kwa malwapeng ba sa dire sepe ka go tlhoka kitso. O ba kopile gape go sekaseka thulaganyo ya go neela baikopedi dithuso, a re go lemosegile fa bangwe ba tlhaela mo tseleng. A re nako e tsile ya gore e le baemedi ba batho, ba tle ka melao le ditsamaiso tse disha tse di ka fetolang mananeo mangwe ka jaana moono e le go bona matshelo a batho a fetoga ka dipalo tse di nametsang. Rre Kebonyekgotla o ne a lebogela khansele go tshwara ditshupo tseo, a re go tlaa thusa bagwebi go nonotsha ipapatso ya bone. Mme Kahepere Kanou go tswa kwa Gumare, yo e neng e le mongwe wa bagwebi, o ne a leboga khansele go bo e mo thusitse ka lenaneo la go simolodisa kgwebo. Ene o thusitswe ka la go roka, mme o supile fa kgwebo e tsweletse sentle e bile a kgona go inosa metsi le gone go isa bana dikoleng. A re o kgonne go ikagela ntlo le go reka leruo. Le fa go ntse jalo, o boletse fa go tsamaisa kgwebo go se bonolo ka jaana kgwebo e tlhoka boineelo, botlhaga, bopelotelelele le lerato gore mong wa yone a fitlhelele ditoro tsa gagwe. Mme Kanou a re nako tse dingwe motho o ka kopana le dikgwetlho tse dikgolo mme se se botlhokwa ke go itebaganya le tsone go fitlhelela a di fenya. Mme Tlhaloganyang Gabanakgosi wa Maun, yo o thusitsweng ka go dira salon, o boletse fa le ene a gatetse pele ka jaana maduo a kgwebo a bonala. A re le ene o ikagetse ntlo le gone go atolosa kgwebo, mme a lebogela khansele kemo nokeng e ba e mo fileng. Mokwaledi wa khansele potlana ya Maun, Mme Mogomotsi Seemule o boletse fa maikaelelo magolo a ditshupo tseo e ne e le go kgobokanya bagwebi ba ba botlana gore ba ipapatse ba bo ba arogane maele a go tsamaisa kgwebo. A re bagwebi ba o ke ba ba thusistweng ka mananeo a puso mme ba ba kgobokantse jalo gore ba ikitsise setshaba, ba bo ba pakele ba ba iseng ba thusiswe gore mananeo a teng, ebile a ntsha maduo. Mme Seemule a re ba ne ba laletsa jalo ba dibanka le ba tsaya karolo ba bangwe ba makalana a a ikemetseng le a puso go tla go tlhatlhelela bagwebi ka dithuso tse ba ka di ba neelang. economy_business_and_finance 3 Baeteledipele ba tshwanetse go tlotlwa Bomme ba thapelo ba kereke ya Lontone ba gwetlhilwe go fa baeteledipele ba bone tlotla gore baeteledipele le bone ba tle ba ba neele tlotlo eo. Kgakololo eo, e dirilwe ke Moruti Patience Pheko wa Lontone kwa Ranaka bosheng jaaka a ne a rutuntsha bomme ka botlhokwa jwa boeteledipele mo bokopanong jwa kereke eo jwa bomme. Moruti Pheko o tlhaloseditse phuthego gore moeteledipele o tshwanetse go ithulaganya, a nne le boammaaruri le bopelokgale, a amogele batho botlhe ba a ba eteletseng pele ka tekatekanyo. O tlhalositse gore fa boeteledipele jwa kereke bo se komota kereke e ka tshabelelwa ke dihawa ka jaana tsamaiso e tlaa reketla. O ne a kgala boeteledipele jo bo se nang thulaganyo a re bokoa joo bo ka emisa ditiro tsa kereke mme a gwetlha phuthego go tsaya dikgato tse di maleba ka go mo seegela fa thoko. A re moeteledipele o tshwanetse go tsaya boikarabelo jo bo tletseng ka kereke e a e eteletseng pele ka go nna le tebelopele, a re mme seo se ka diragala fa a dirisana le maloko. religion_and_belief 8 Maapeelo a Payless a jelwe ke molelo Mapodisi a Mochudi a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone maapeelo a Payless Supermakert a neng a sha a bo a lora ka Labotlhano(Phalane a tlhola lesome le borobabongwe). Mo potsolotsong, Assistant Superintendent Wazha Zambezi a re tiragalo e, e digaretse mo mosong Phalane a tlhola lesome le borobabongwe fa babereki ba bula marekisetso. A re e rile fa babereki ba santse ba le mo phuthegong, ba utlwa modumo wa go thunya ga sengwe go tswa ka fa maapeelong mme ba o tsibogela ka bofefo. O ne a tlhalosa fa badiri ba marekisetso a, ba ne ba thusa go tima molelo o ka setima molelo. Assistant Superintendent Zambezi a re molelo o ga go itsewe se o se bakileng mme o ne wa fisa sengwe le sengwe le fa o ne wa seka wa tsena ka ha marekisetsong magolo. A re ba lephata la ditimamolelo le ba sepodisi ba ne ba thusa mme maiteko a go falotsa dithoto a retela. A re le ntswa dithoto tsa boapeelo di shele ga gona kgobalo epe e ba e gatisitseng le ope yo botshelo jwa gagwe bo gapilweng ke tiragalo e. Assistant Superintendent Zambezi o ne a rotloetsa setshaba go nna kelotlhoko mo go sepe se se ka bakang molelo bogolo jang mo mantlwaneng a boapeelo. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Dikotla motheo wa kgolo ya ngwana Moitseanape wa dijo kwa lephateng la botsogo kwa Palapye, Mme Malebogo Ramaano, a re dijo tse di nang le dikotla di botlhokwa thata mo kgolong ya ngwana. Fa a bua mo potsolotsong morago ga thuto seka puisanyo ya go ruta ka tlhokomelo ya ngwana kwa Palapye bosheng, Mme Ramaano o boletse fa go ja dijo tse di nang le dikotla go se turu jaaka go ka solofelwa. A re ngwana o tshwanetse go ja dijo tse di nang le mefuta e meraro ya dikotla tse e leng dijo tse di agang mmele, tse di fang nonofo le tse di sireletsang mo malwetseng. O tlhalositse fa se, se ka dira gore ngwanaa a gole a itekanetse mo mmeleng le mo tlhaloganyong. O kaile gore go fa bana dijo tse di nontshang go ka felela go ba senya mmele, le gone go ba bakela malwetse a a sa tshelanweng jaaka ja sukiri le madi a matona. “Bana ba tshwanetse go rutwa go ja dijo tse di siametseng mebele ya bone le go ba fokoletsa tse ba di ratang thata tse di sukiri e ntsi. Ba tshwanetse go ja sukiri ya maungo ka gore yone e siametse botsogo jwa mmele,” Mme Ramaano a tlhalosa. Mo go tse dingwe, mooki wa balwetse ba tlhaloganyo kwa Palapye, Mme Kelebogile Montsho o kaile fa bana ba ba amilweng ke bolwetse joo ba tshwanetse go emelwa ka dinao ka mo dinakong tse dintsi ba sa itse tse ba di dirang. Mme Montsho a re go na le batsadi ba ba beileng bana fela mo thupeng, gona le gore ba ba ele tlhoko le gone go ba ithuta fa ba ntse ba gola. “Motsadi o tshwanetse go ipha nako a ithute ngwana wa gagwe a tle a kgone go mo laola le go mo gakolola fa go tlhokegang teng go na le go mmeletsa ruri fa a tlhoka tsebe. Dilo dingwe tsa bodidi jwa bana di dirwa ke ma lwetse mangwe a tlhaloganyo mo ngwaneng,” mooki a tlhalosa. BOKHUTLO health 6 Dihakaboy o a iphataphatela E re ka lefatshe la Botswana le agilwe ka go itirela, Batswana bangwe ba sa ntse ba tsweletse ka mowa oo. E rile fa puso e lemoga gore bontsi jwa Batswana ba eletsa go dira mme ga ba na ditsompelo, ya tla ka mananeo a a itebagantseng le go thusa ba ba eletsang go ikapola lehuma le gone go tokafatsa matshelo a bone. Lengwe la mananeo a a thusang Batswana kwa dikgaolong ke lenaneo la nyeletso lehuma. Le fa go ntse jalo, Batswana bangwe bone ba itirela fela ntle le dithuso dipe ka jaana ba rata se ba se dirang e bile ba ititeile sehuba gore ba tlaa dira ka natla go ntsha maduo mo ditirong tsa bone. Mo puisanong bosheng, monni wa Inalegolo, Rre Tsela Dihakaboy, wa dingwaga tse di masome a marataro le boraro, o supile fa a sa ipone tsapa ka a sa ntse a le majato e bile a dumela mo go itireleng ka diatla. Rre Dihakaboy o tlhalositse fa a tswa kgakala a suga matlalo go dira dikgole, ditlhako le mealo ya matlalo. “Ke godile ke bona bagolo ba suga matlalo, ka ke le motho yo o kelotlhoko, ke ne ka anywa botsipa jwa go suga ke sale monnye mme le gompieno ke ntse ke suga matlalo,” ga tlhalosa Rre Dihakaboy. O ne a supa fa a thusitswe ke ba kereke ya Lutere go mo isa ko sekoleng sa Rural Industries Innovation Centre (RIIC) go ya go oketsa botsipa jwa gagwe jwa go suga matlalo ka ngwaga wa 1997. A re o ithutile dibeke tse thataro mme e rile go fetseng ga gagwe, Kereke ya bowa seboaboane go mo thusa ka go mo rekela didirisiwa tsa go suga matlalo. Ba khansele ya Kgalagadi ka fa tlase ga lenaneo la Remote Area Development Programme (RADP) ba ne ba mo adima kago ya bone gore a simolole tiro ya gagwe. Rre Dihakaboy a re e rile mo ngwageng o o latelang a sena go fetsa dithuto tsa gagwe, a simolola kgwebo ya gagwe. O tlhalositse fa a ne a simolola go suga matlalo go dira ditlhako, dibeke tsa bomme, diaparo, diphate tsa Setswana, a re o tsaya matlalo a mo dintshong le mo manyalong. A re dilwana tsa gagwe di ne tsa bona theko e e botoka fela thata mo Inalegolo le metse e e mabapi. O tlhalositse fa go rekisa matlalo e le kgwebo e e nyatsegileng mme e na le dipoelo fela thata e bile o ka se lale le tlala. Rre Dihakaboy o tlhalositse fa disola tsa ditlhako di se motlhofo go bonwa mme se e nne kgwetlho mo tirong ya gagwe ga mmogo le go tlhoka botsogo dinako tse dingwe, kwa ntle ga moo kgwebo e tsamaya sentle. A re o rotloetsa Batswana bogolo jang banana go inaakanya le kgwebo. Le fa go ntse jalo a re e tlhoka bopelotelele le maikutlo a a iketlileng ka e tlhokana le go akanya mo go tseneletseng fa o dira ka matlalo e bile e batla o ikiteile sehuba. A re kgwebo ya matlalo fa e ka tlhabololwa e ka tlhama mebereko mo lefatsheng leno le gone go fokotsa go rekwa ga dilwana tsa matlalo kwa mafatsheng a sele, a re kgwebo ya matlalo e ka rotloetsa go dira ka diatla le go itirela mo Batswaneng. BOPA economy_business_and_finance 3 Dirisang matshwao go latedisa leruo Makhanselara a khansele ya Borwa a kopile puso go simolola go dirisa matshwao a a fitlhelwang mo leruong le le timetseng go latedisa beng ba lone ka jaana mong o a bo a ikwadisitse ka fa molaong gore a kgone go fiwa letshwao. Ba buile jalo mo phuthegong ee tsweletseng ya Khansele eo mo Kanye maabane ba akgela mo tekodisong ka Mothusa tona ya lephata la Dikgaolo le Tlhabololo ya Magae Mme Botlogile Tshireletso. Mme Tshireletso one a beile pele khansele eo molao kakanyetso wa matimela mme a kopa Makhanselara maikutlo go bopa molao oo. Bare fa morui a sena go ikkwadisa puso e abo e nale kitso ka botlalo gore mong wa tshipi o ka bonwa kae. Erile a ntsha la gagwe Mokhanselara wa kgotla yoo Ruele mo Kanye Rre Ben Lebogang are ofisi ya matimela ka jalo e tshwanetse go leletsa mong wa letshwao go tla go tsaya seruiwa sa gagwe fa se timetse gonale ka fa go diragalang ka teng gompieno. Rre Lebogang a tlatsa ka gore dikhansele di senya madimadi di tlhokomela matimela mme gongwe beng ba one ba sa itse kwa ba ka batlelang teng, are go dira jalo go ka ba ga fokoletsa dikhansele merwalo ka bangwe ba ka felela ba itlhaganelela go tsaya leruo la bone. Mokhanselara wa Moshupa Mme Ponatshego Tshiping le ene a tlhalosa fa go leletsa barui go ka fokolotsa puso ditshenyegelo. Are maiteko otlhe a tshwanetse go dirwa go kopana le morui go mo kopa go tla go tsaya seruiwa sa gagwe. Rre Mosimanegape Tshane ene one a kopa gore morui a letlelelwe go golola seruiwa sa gagwe fa aka tshokana a se fitlhela ka letsatsi la thekiso ya matimela pele ga se rekisiwa. Bontsi jwa Makhanselara gape bane ba dumalana gore matimela a tswelele a ntse a tshegeditswe ke dikhansele. Rre Mosekisi Rangobana ene o supile fa matimela a sa tlhokomelesege sentle mo dikhanseleng mo o ebileng o fitlhela a bopame mme a felele a rekiwa ka madi aa kwa tlase selo se a reng se a kokonela. O tlhalositse fa gole botlhokwa gore badisa ba matimela ba direlwe melawana ee faphegileng ya tiro eo gore ba kgone go fudisa leruo ba sa le kgaupetse. Are mo nakong ya gompieno ba felela ba tlhatlhela matimela go sale motshegare ba lebile nako ya go chaisa. Legale Rre Eric Chelenyane ene o kopile gore puso e ithole marapo a go tlhokomela matimela e e fe bagwebi ba ba ikemetseng ka jaana go a e imela. Are go dira jalo go ka direla dikhansele madi ka jaana matimela a tlaa tlhokomelesega mme a dire dipoelo ka nako ya thekiso.BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Ba rotloediwa go tshwaraganela ditlhabololo Lekoko le le ithaopileng go tsamaya le ditoropo le metse ka mabaka a go phutha megopolo mo banning ba Maunatlala ba ba direlang mo mafelong a a farologanyeng, le ne le ile go phutha megopolo kwa moepng wa Orapa ka Laboraro (Motsheganong). Lekoko leo le le eteletsweng pele ke mokhanselara wa Maunatlala, Mme Salome Lesole, ba ne ba lekodisa banni ba Maunatlala ba ba nnang kwa Toropong ya Orapa ka ditlhabololo tsa motse wa bone le tse di saletseng kwa morago. Mo go tse di kgonegileng, ba re ke tse di jaaka go agiwa le go bulwa ga motlobo wa dibuka,kagelelo ya masimo e e kopanetsweng,paakanyo ya tsamaiso ya khiro ya ipelegeng le tse dingwe. Le fa go ntse jalo,ba re go tla tlhokana le tshwaragano ya banni ba Maunatlala gore ditlhabololo tsa go nna jalo di kgone go ba sologela molemo. Ba tsweletse ba re le fa puso e kgonne go tsisa ditlhabololo dingwe mo motseng wa bone fela nnete ke gore ba lebanwe ke dikgwetlho tse dikgolo tse di tlhokanang le go tsibogelwa. Ba re motse wa Maunatlala o na tlhaelo ya boroko jwa badirelapuso, letlhoko la motlakase mo diofising tsa kgotla tse e bile di tlhaelelwang ke bodiredi. Sengwe se gape ba buileng ka ga sone ke tlhaelo ya dipagamo tsa badirelapuso. Mokhanselara wa Maunatlala ,mme Salome Lesole, a re maikaelelo a lekoko la bone ke go rotloetsa banana ba Maunatlala go tsenya letsogo mo mererong ya ditlhabololo tsa motse wa bone,ka seo se ka ba thusa go tsoga ba ipelafatsa ka ditlhabololo tsa motse wa bone. Ka ntlha ya gore ditlhabololo di tlhaka tshwaragano ya batho ,o kopile banni ba Maunatlala go tshwaragana ba bo ba tsosolose mokgatlho o o kileng wa bo o le teng o bidiwa Tlhabologo Movement .A kopa gape gore ba ikgaphe mo lefufeng la selegae le a reng le kgoreletsa ditlhabololo. O tsweletse a re ba ya go tswelela ba tshwara bokopano jwa go nna jaana kwa mafelong ka go farologana ,ka gore banni ba ba direlang kwa mafelong a mangwe ba a bo ba seyo fa go bidiwa diphuthego tsa kgotla. Banni ba Maunatlala ba ba direlang kwa moepong wa Orapa ba itumeletse lekoko leo go bo le iphile matsapa a go tsamaya le kopa megopolo ka fa ba ka tlhabololang motse wa bone ka teng. Ba re seo ke sesupo sa gore bogogi jwa motse bo kgatlhegela go amogana maano a ditlhabololo le bone, ka e bile ga twe kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. Ba supile mo bokopanong joo gore ba tla simolola go nna le seabe mo mererong ya ditlhabololo tsa motse wa bone e bile ba tla leka go kokoanya madi a a tlaa thusang mo ditlhabololong Ba re bokopano jo bo ba thusitse gore ba itsane ka jaana ba ntse ba nna mo Orapa ba sa itsane gore ke batho ba motse o le mongwe. Lekoko le o le akaretsa mokhanselara wa Maunatlala ,Mothusa modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Maunatlala Rre Gobusamang Kobe,modulasitilo wa komiti ya ditshupo Tswapong Patrick Tseleng le moanamisa mafoko wa komiti ya dithupo rre Bonang Mafoko. politics 7 Gakuto o a tlhabologa Kgosi Abdul Letlamma wa Gakuto a re o lebogela ditlhabololo tse di tsweletseng ka go tla mo motseng wa gagwe ga mmogo le mananeo a banana. O buile jaana mo potsolosong le BOPA, a tlhalosa fa mananeo a banana, bogolo jang a go rua dipodi a atlegile thata ka jaana banana bangwe ba simolotse go rekisetsa ba bangwe mme ba bone dipoelo. A re motse wa gagwe le one o tsweletse ka go golela mo ditlhabololong ka jaana ba abela batho ditsha tse di segetsweng ruri. Le fa go ntse jalo, gosi a re kabo ya ditsha e santse e saletse morago ka jaana ba santse ba baya batho ba ba ikopetseng ditsha ka 2008. Kgosi o senotse gore bothata bo bakilwe ke gore mong wa tshimo nngwe o ne a re ga a a duelwa mme peo ya emisiwa go santse go rarabololwa kgang eo. Kgosi o tlhalositse fa kgang e e sa mo jese diwelang ka e ba diela ditlhabololo gonne ditlhabololo di tla mo motseng o o godileng. O lebogile ba khamphani ya motlakase go bo ba weditse tiro e ba e simolotseng ngogola ya go atolosa motlakase mo motseng. Kgosi o tsweletse a leboga khansele ka go gopa ditsela tse di mo motseng le go di nywaanywaa ka metsi go timola lerole. Rre Letlamma a re ba santse ba tshwenngwa ke letlhoko la metsi mme ba solofela fa seemo se tlaa tokafala mo bogaufing ka ba kile ba nna le morero le Water Utilities. A re ba santse ba dirisa mealo ya dipompo tse di ka fa tlase ga lefatshe, tse e neng e le tsa khansele tsa bogologolo. A re ba belaela e le tsone tse di dirang gore ba nne le mathata a metsi. O tsweletse a bolela fa Water Utilities e ba siela metsi ka dilori. Rre Letlamma o lebogetse banni go bo ba itshwere sentle ka jaana borukutlhi bo santse bo le kwa tlase. BOPA politics 7 Ba kopiwa go ema kgosi nokeng Molaodi wa kgaolo potlana ya Palapye, Mme Veronica Rabakane o kopile dikgosi kwa Tswapong go ema nokeng moemedi wa bone wa ntlo ya dikgosi yo mosha, Kgosi Galeakanye Modise wa Sefhare. Fa a bua mo potsolotsong, Mme Rabakane o boletse fa go le maleba gore dikgosi ka go farologana di eme yo ba mo tlhophileng nokeng gore a dire tiro ya gagwe ka botswapelo. O boletse fa Kgosi Modise a tsaya mo go Kgosi Sello Moroka wa Lerala. Mo ditlhophong tseo, tse di neng di tshwaretswe kwa Lerala, go ne go gaisana dikgosi di le tlhano e leng Rre Bokopano Koodibetse, Sello Moroka, Balebetse Moloko, Obert Thutlwa mme Rre Modise a bona batlhophi ba bantsi go feta ba bangwe. Le fa go ntse jalo, Mme Rabakane o tlhalositse fa ditlhopho tseo di ne di tsamaya sentle mme botlhe ba ba neng ba eme ba amogetse maduo ba bo ba solofetsa fa ba tla a ema yo ba mo tlhophileng nokeng. BOKHUTLO society 9 Mogolwane o kopa balemi go rekisa kwa BAMB Mogolwane wa Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB), Rre Edson Woto o gwetlhile balemi ba kgaolo potlana ya Tutume go rekisa thobo ya bone kwa BAMB. Rre Woto o buile jalo mo thuto-puisanyong le balemi kwa Tutume ka Labone. O ne a tlhalosa fa marekisetso a BAMB a diretswe bone morago ga go lemoga fa ba sena kwa ba rekisang thobo ya bone teng. A re go bo dikoporase tseo di tswetswe ka bontsi ke ka lebaka la gore balemi ba ne ba sa di dirise ebile bangwe ba reka kwa mafatsheng a sele, mokgwa o a supileng o sa siama ka Batswana ba tshwanetse go godisa itsholelo ya bone ka go reka dijo tse di mono. A re gape ba itse gore koporase eo ke ya bone e le balemi ga se ya puso ka jalo fa bas a e dirise ba bob a itlhaba ka thipa mpeng, ka ditlamorago morago ga go phutlhama ga yone go a ba ama. Rre Woto o ile a kopa balemi bao go tlhoafalela temo,a re temo e a busetsa ka jalo ba tshwanetse ba ikaega ka temo ba lema mo go tla ba busetsang,ba tlogele mokgwa wa go ipitsa balemi ba ba botlana.Gape a ba rotloetsa go sala morago ditaelo tsa balemi tsa go lema ka ditselana. O ile a kopa ba komiti ya balemi go nna ba abelana le balemi ba bangwe dikitso tse ba tswang go di ajwa kwa mafelong a mangwe. A gatelela ka gore mokgwa wa go epeela kitso o sa abelane le ba bangwe ga o kake wa ba isa gope,selo se a kaileng fa Batswana ba bolawa ke lefufa. Fa a tswelela,o ne a ba kopa go dirisa sebaka sa bone go ikopela masimo kwa Dukwi nako e a tlaabo a abiwa. Batsena dithuto-puisanyo tseo ba ile ba leboga kitso le lesedi le ba le tsereng mo dithutong tseo,ba supa fa ba ntse bas a itse fa BAMB e le ya bone e le balemi,ba re jaanong ba lemogile seo le botlhokwa ja yone. Bangwe ba ne ba ngongoregela ditlhwatlhwa tse koporase eo e rekang thobo ya bone ka teng,ba supa fa beng ba ditshilo ba reka thata gona le bone. Rre Lenyatso Gobela o ne a ngongorega ka tsamaiso e e tla dirwang go abela batho masimo kwa Dukwi,a re gore ba phadisanye le batswakwa go tla baya Batswana ka fa mosing ka ba sena itsholelo e e kalo. Rre Gobe o ne gape a supa matshwenyego a go tlhoka go thusiwa ke dibanka fa dingwaga tsa gago di feta masome marataro,a re seo se ba paledisa go tsweledisa temo ka gab a na madi a ka tlhabololang lefatshe le go reka di dirisiwa tsa temo ka one economy_business_and_finance 3 Kgalagadi o tla agelwa matlhabelo Banni ba Tsabong ba boleletswe gore go tlaa agiwa matlhabelo a kgaolo ya Kgalagadi mo motseng wa bone. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla ka Laboraro , mogolwane go tswa kwa lephateng la matlhoko a leruo, Rre Samuel Ditiragalo a bolela fa matlhabelo ao a tla a dirisiwa ke banni ba kgaolo ya Kgalagadi ka bophara ka go lemosegile fa e le yone e nang le diruiwa tse dintsi bogolo jang dihutshane. A re puso e tsere tshwetso ya go aga matlhabelo a a tlaa tlhabang diruiwa di akaretsa ditonki, dikolobe le diphologolo tsa naga kwa ntle ga dikoko fela. Rre Ditiragalo o tlhalositse fa matlhabelo ao a seemo se se fa gare a tlaa bo a kgona go tlhaba diruiwa di le masome a matlhano ka beke e bile go na le fa go kgaolelwang nama teng gammogo le fa go omelediwang matlalo teng gore ba ba batlang go a reka ba a fitlhele a le mo seemong se se siameng. A re e tlaa re matlhabelo a sena go agiwa, khansele ya Tsabong e tshwaragane le morafe go tsaya tshwetso ya gore a tsamaisiwa jang, mme a tlhalosa fa go le mo maruding a morafe gore o hirisetsa kompone kgotsa mogwebi mongwe. Rre Ditiragalo a re se se botlhokwa ka gore ga ba batle matlhabelo ao a tsamaisiwa ke khansele ka go supegile fa dikhansele tse di nang le matlhabelo di sa a tsamaise sentle e bile a sa dire dipoelo. O kopile morafe go tlhokomela matlhabelo ao gore ba tle ba kgone go dira dipoelo tse di tlaa dirisiwang go a tsamaisa. O tlhalositse gore tiro e tona ya khansele ke go netefatsa gore lefelo, metsi le motlakase di nna teng. Banni ba itumeletse tshwetso ya go agelwa matlhabelo ba bo ba tlhalosa fa ba solofela a tlaa ba tlhamela ditiro mme e bile a tlaa ba rotloetsa go tlhokomela leruo la bone le gone go ba fokoletsa mosepele le ditshenyegelo tsa go isa diruiwa tsa bone kwa bokgakaleng jwa bo Lobatse le mafelo a mangwe. Mongwe wa barui, Rre Sejakgomo Sejakgomo o ne a batla go itse gore kago e solofetswe go simolola leng le gore a go dirilwe tshekatsheko ya ditlamorago tsa tiro eo. Mme Edna Podise ene o kopile gore go bulwe fa matlalo a tlaa direlwang teng go oketsa diphatlha tsa mebereko gonne go tlaa bo go bolawa diruiwa tse dintsi. Rre Victor Senome yo o direlang kompone ya HERBCO Technical Services e e dirang le tsa tshekatsheko ya tikologo, o tlhalositse gore tiro ya go aga ke gone jaaka e simolotse fa ba ntse ba tsamaya ba tsaya maikutlo a morafe jaana. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Emisang go latlha dipilisi - Diau Kgosana Motswaodi Diau wa Makwate mo kgaolong-potlana ya Mahalapye o kgothaditse banni ba motse wa gagwe go tsaya botsogo jwa bone ka tlhwaafalo. O ba rotloeditse go nwa dipilisi sentle jaaka ba laetswe ke ba bongaka. Kgosi Diau o buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke ba botsogo bosheng. O ne a ngongorega ka batho ba ba tsweletseng ka go latlha dipilisi, a tlatsa ka gore puso e dirisa madi a mantsi go reka melemo ya malwetse. A re boeteledipele jwa metse bo tshwanetse go ema puso nokeng go ka gakolola setshaba ka malwetse. A re puso e rata batho ba yone fela thata ke ka moo e neng ya ema ka dinao go batlela setshaba dipilisi tse di ritibatsang mogare ga mmogo le malwetse a mangwe. Kgosi Diau a re go tsaya kgato moo go ne ga fokotsa dipalo tsa batho ba ba neng ba tlhokafala ka ntlha ya bolwetse jo. A re go maswabi gore bangwe mo nakong ya gampieno ba bo sa ntse ba tlhokafala ka ntlha ya go itirela botsotsi jwa go tlhoka go tsaya kalafi sentle. O ba kopile go emisa nnotagi gore dipilisi di tle di bereke sentle ka fa go tshwanetseng ka teng go lwantsha bolwetse mo mmeleng,a tlatsa ka gore bojalwa le dipilisi ga di a tshwanela go pataganngwa ka seo se le borai. E re go le jalo, a re lefatshe la Botswana le dirisa madi a mantsi go lwantsha malwetse a pelo le a go tlhoka go ja sentle ka jalo a kopa banni go ja dijo tse di siametseng mebele ya bone ka dinako tsotlhe. Fa a tswa la gagwe, mogolowane wa kokelo ya Makwate, Rre Gaedupe Sebolokelo fela jaaka Kgosi Diau a re o tshwenngwa ke batho bangwe ba ba sa tseyeng kalafi sentle. O ne a kgala ba ba latlhang dipilisi a supa fa go dira jalo e le molato o mo tona,a tlatsa ka gore gape ke go senya madi a puso a a neng a ka dirisiwa go tlhabolola lefatshe. Go sa ntse go le jalo,o boletse fa malwetse a dikobo a tshwenya thata mo motseng oo mme a kopa banni go ikelatlhoko. O ne a kgothatsa banni go etela kokelo ya bone go tsaya dikhondomo gore ba itshireletse mo malwetseng ka go farologana. O ba kopile go itlhatlhobela mogare wa HIV/AIDS nako e sa ntse e le teng,a tlatsa ka gore malatsi ano puso e tsisitse ditlamelo kwa bathong ga go tlhoke gore motho a tseye loeto go ya Mahalapye go dira ditlhatlhobo,a supa fa sengwe le sengwe se dirwa mo dikokelong. A re o kopa banana botlhe ba ba iseng ba amiwe ke malwetse a dikobo go ikgapha mo tlhakanelong dikobo e e sa sireletsegang kana go ikgapha gotlhelele kana ba nne le mokapelo a le mongwe. O tsweletse a gakolola banana go etela makalana a botsogo a tshwana le la Tebelopele Testing Centre le dikokelwana tse di gaufi le bone go tsaya bogakolodi jo bo nonofileng mabapi le botsogo mo baitseanapeng. Rre Sebolokelo a re o rotloetsa banni ba Makwate go tsibogela dikai tse ba sa di tlwaelang mo mebeleng ya bone ka go dira jalo go ka thusa go lemoga bolwetse bo sa le bosha mme motho a tseye kgato e e tshwanetseng. BOKHUTLO health 6 Tiriso ya metsi a a leswe e ka solegela dikole molemo Ba lephata la thuto ba rotloeditswe go anamisa lenaneo la tiriso ya metsi a a leswe la Grey Water mo dikoleng ka le ka ba thusa go somarela metsi. Mothusa mokwaledi wa lephata la meepo, kgotetso le metsi, Rre Macheng Macheng o buile jaana fa a ne a rolela ba lephata la thuto mmogo le sekole sa Motsumi JSS lenaneo la Grey Water kwa Letlhakane bosheng. Rre Macheng a re ba tshwenngwa ke tlhaelo ya metsi mo lefatsheng leno ka ntata ya dipula tse di boutsana. Le fa go ntse jalo, a re tshenyo ya metsi e kwa godimo mo dikoleng le mo makalaneng a mangwe, a tlatsa ka go re Botswana jaaka lefatshe le le tlhabologang, le tlhokana le metsi a mantsi go dira ditlhabololo. O supile fa lenaneo la Grey Water la sekole se segolwane sa Motsumi le weditswe ka 2011, e le tsela nngwe ya go fokotsa tiriso ya metsi a a phepa. Rre Macheng a re gore ba kgone go ntsha metsi a a lekaneng go tlhoka gore ba lephata la metsi ba eme ka dinao, mmogo le kemo nokeng ya ba-na-le seabe botlhe le setshaba ka kakaretso, a tlatsa ka gore selekanyo sa metsi a a tlhokegang ke 221 million cubic metres ka ngwaga, se go solofetsweng gore se ye kwa godimo ka 225 million cubic metres ka 2016. O ne a rotloetsa dikole tse dingwe go tsaya malebela mo lenaneong la sekole sa Motsumi la Grey Water, le ka lone ba ka fokotsang madimadi a ba a dirisang go duela metsi mo dikoleng. Rre Macheng a re ga ba a dira lenaneo la go tlhatswa metsi a a leswe fela mo Motsumi, mme ba dirile le lenaneo la go somarela metsi a pula kwa sekoleng sa Our Lady kwa Fracistown, Shoshong le kwa lephateng la metsi kwa Gaborone le mo mafelong a mangwe. A re lephata la thuto le tlhabololo dikitso jaaka badirisi ba metsi, ke ba-na-le seabe ba ba botlhokwa ka jaana ba ka atolosa kitso ya tiriso ya metsi le tshomarelo mo baneng ba sa ntse ba le bannye, ka jaana e le bone bokamoso jwa lefatshe leno. E rile a tswa la gagwe, mogolwane mo lephateng la thuto, Mme Neo Morolong a supa fa lenaneo la Grey Water la Motsumi le lekeleditswe jaanong le tshwanetse go tshephiwa ka le ntsha maduo fa e sale le simolodisiwa ka 2011. Mme Morolong a re metsi a a dirisiwang mo lenaneong le ke metsi a a tswang kwa matlong a botlhapelo kwa matlong a bana a borobalo, a tlatsa ka gore ba batla go tsena mo legatong le lengwe la gore metsi a a kgone go dirisiwa go tlhapa gape. A re ba ikaelela go atolosetsa lenaneo le kwa dikoleng tse dingwe, bogolo jang tse baithuti ba nnang mo go tsone ka jaana ba lemogile gore lenaneo la teng le ka thusa go somarela metsi. Mme Morolong a re nako e tsile ya gore setshaba se amogele tiriso ya metsi a a leswe, a kopa ba sekole sa Motsumi go dirisa lenaneo le gore ba tle ba bone maduo a lone le pharologanyo e le e dirang. Bokhutlo education 4 Kereke ya Sabata e rera tsholofelo E rile bosheng dikereke tsa Sabata kwa Mahalapye tsa kopanela kwa kerekeng e tona ya Mahalapye Central go ipela le go amogela maloko a masha. Fa a amogela batho ba ba neng ba kolobediwa, Moruti Phillimon Aramando, o tlhalositse fa tshwetso e ba e tsereng ya go neela Modimo matshelo a bone e le botlhokwa mme e bile e itumedisitse le ene Modimo ka sebele. A re mo nakong eno lefatshe le tobekane, maitsholo a banana a makgaphila, go na le malwetse a a sa laolesegeng e bile a sena kalafi, go na le dipolaano tse di setlhogo tsa batho ba ipitsa baratani jalo batho ba latlhegetswe ke tsholofelo. O gwetlhile barapedi bao go lebelela kwa go Jesu ka e ele ene fela a ka ba nayang tsholofelo e bile a tsisa tharabololo ya mathata a a bosula a a mo lefatsheng. A re kereke ya Sabata e ikaeletse go rera mafoko a a molemo le go tsibosa motse wa Mahalapye ka bogosi jo bo tlang jwa legodimo le gore ba kgone go bo iketleeletsa. O tsweletse a tlhalosa fa ba simolotse go abelana mafoko a molemo le ba sepodise le ba poso mo Mahalapye mme ba dira jalo gape mo dikoleng dingwe kwa ba kopanang le baithuti ba ba lebileng go kwala ditlhatlhobo go ba rapelela le go ba ama ka lefoko la Modimo. Fa a ema maloko a masha ka lefoko morago ga kolobetso, mogolwane mo kerekeng ya Sabata Rre Joram Ndaba o ba gwetlhile gore e re jaaka ba inotswe mo molelong o o fisang, ba atle phetogo mo matshelong a bone mme ba e tshegetse go fitlha Keresete a ba fitlhela ba ntse ba tshegeditse tumelo. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Bogodu jwa leruo bo a tshwenya Mookamedi wa mapodisi a Maun o boletse fa bogodu jwa leruo bo sa ba jese di welang mo kgaolong ya gagwe. Superintendent Kenanao Badumetse o tlhalositse mo potsolotsong fa ba sa jesiwe di welang ke dikgang tse beng ba diruiwa ba di tshololang, fa babelaelwa ba sena go tshwarwa. A re ba tsholola dikgang ka mabaka a gore babelaelwa e a bo e le ba masika a bangongoregi, kana ba itsane ntswa ba ne ba ikuetse pele, a supa fa seemo seo se oketsa borukutlhi jwa go utswa leruo. Supt Badumetse o supile gape fa koketsego ya theko ya dikgomo kwa masimo le meraka ke bo radikgwebo tsa nama le yone e na le seabe mo go rotloetseng bogodu jwa leruo ka ba reka fela ba sa tlhomamise gore a dikgomo di a bo di kwadisitswe ka fa molaong le gone gore a di tlhatlhobetswe malwetse ke ba matlhoko a leruo. O tlhalositse gape gore ga go na tirisanyo mmogo mo go lwantsheng bogodu jwa leruo mo kgaolong ya gagwe ka leruo la batho le a nyelela mme bangwe ba le bone, mme ba seke ba itsise mapodisi. Supt Badumetse o gakolotse Batswana go tlhokomela leruo la bone, le gone go tshwaya le go tshuba leruo le setse le le le nnye, a re ga ba a tshwanela go baya mo badiseng ka bangwe ba bone ba se boikanyego. crime_law_and_justice 1 Banni ba itumeletse ditlhabololo Banni ba Lentsweletau mo kgaolong ya Kweneng ba lebogetse puso ka go dira ditlhabololo kwa motseng wa bone ga mmogo le go tokafatsa itsholelo ya bone. Fa a bua mo potsolotsong le Kgosi Motswakhumo a re ditlhabololo tseo di tsile ka nako e e siamemg ka motse o ntse o lebaganwe ke letlhoko la matlo a bodiredi. O tlhalositse gore mo dingwageng tse di fetileng motse o ne o aperwe ke letlhoko la boroko la badirela puso. A re badiri botlhe ba ba neng ba na le mathata a letlhoko la boroko ba ne ba patelesega go tsoga kwa mafelong a a kgakala, ka jalo ba tsamaya sekgala se seleele go ya tirong. A re seo se ne se nna le seabe mo go tlhokeng go ntsha maduo kwa tirong. Kgosi a re e bile o solofela gore kago eo ya matlo e tlaa nna le seabe se segolo mo go tsiseng ditlhabololo di tshwana le metsi le motlakase kwa kgaolong ya Boseja. A re kgaolo eo ga e na motlakase e bile le metsi a boutsana. A re go baakanngwa ga ditsela tse di ralalang motse ke nngwe ya ditlhabololo tse a di lebogelang. A re seemo sa ditsela tse di fa gare ga motse se ne se le maswe, segolo jang fa dipula di na. O tlhalositse gore ditsela tseo gape di na le dikhuti tse di maswe e bile di baka dikotsi tsa tsela. A re ka bakgweetsi ba bangwe ba ne ba se kelotlhoko, ba ne ba tsamaya ka lebelo le le kwa godimo mme seo se bake dikotsi ga mmogo le go oketsa dikhuti tseo. Kgosi Motswakhumo o ne a leboga puso ka go baakanngwa ga dikago tsa maobo a dikgotlana di le pedi kwa kgaolong ya Boseja. A re dikgotlana tseo di ne di se mo seemong se se kgatlhisang, ka jalo go baakanngwa ga tsone go tlaa di busetsa mo seemo se se maleba le go di fa ditebego tsa gore ka nnete ke maobo a kgotla. A re ditlhabololo tseo gape di nnile le seabe se segolo mo go tlhameleng banana ditiro ba le bantsi. O tlhalositse gore fa e sale ditlhabololo tseo di simolola go dirwa ngogola, dipalo tsa banana ba ba neng ba bereka Ipelegeng di ole. A re le banana ba ba neng ba sa bereke Ipelegeng mme ba nna mo malwapeng ba sa dire sepe, ba bone ditiro mo ditlhabololong tseo. Ka jalo a re o dumela gore ditlhabololo tseo di fokoditse letlhoko la ditiro mo motseng. Kgosi Motswakhumo a re ntswa a itumeletse ditlhabololo tseo, o ngongorega ka seemo sa tsela ya Lentsweletau-Molepolole. A re ka Lentsweletau e le motse o o santseng o gola, ba patelesega go latela ditirelo dingwe kwa Molepolole. Ka jalo ba tsamaya sekgala se seleele go ya Molepolole ka ba patelesega go dirisa tsela ya Lentsweletau-Metsimotlhabe. politics 7 Ba ngogoregela ditlamelo Banni ba Nata ba boletse fa ba sa itumedisiwe ke seemo sa kokelwana ya bone ba tlhalosa fa se se dira gore ba seka ba bona dithuso tse di maleba le go thusiwa ka nako.
 Fa a tlhalosa moono wa letsatsi la Botsogo Pitso le le neng le tshwaretswe kwa motseng wa Nata bosheng, mothusa mogolwane kwa kokelong ya Gweta, Rre Issac Seledi o ne a supa fa ba bone go tshwanela gore ba tle go buisana le banni ba motse go utlwa matshwenyego a bone fa ba ile go tsaya dithuso ko kokelwaneng le go tsaya megopolo e e ka dirisiwang go tlokafatsa seemo sa kokelwana. A re se se tla ba thusa ele bagolwane go bona gore go ka tokafadiwa fa kae gore batho ba kgone go bona dithuso tse di siameng. O ne a ba kopa go bua sepe fela se ba se bonang se sa dirwe sentle le gore se ka baakanngwa jang.
Mme Galebowe Kgakololo o ne a akgela ka go supa fa ba kgona go tsewa madi mme morago ba sa fiwe maduo le fa ele tlhaloso ka se se diragetseng. O ne a tswelela ka go bua fa kokelwana ele leswe fela thata e bile go bereka ntwana ya boiteketso ele nngwe. A re baoki ba bangwe ga ba dirisanye sentle le bone ka ba kgona go nna lebaka go sena yo o ba thusang ba sa bolelelwe gore mathata ke eng.Mme Kgakololo o ne a tswelela ka go supa fa dikago tsa kokelwana di se mo seemong se se siametsweng go ka dirisiwa. O ne a kopa banni go nna le mowa wa bopelotlhomogi ka go letelela bagodi, bana le bogole le bomme ba ba itsholofetseng go ka bona thuso pele a re se se supa botho le go ratana mo motseng.
 Banni ba ne ba tswelela ka go tlhalosa fa balwetsi ba robadiwa mo ntlong ele nngwe mme mo go sa ba itumedise. Ba ne ba supa fa bodiredi jwa kokelwana bo sa lekane go ka thusa batho botlhe ba motse ba kopa gore go thapiwe bangwe go thusa. Ba ne ba kopa gore balwetsi ba ba gateletsweng ba isiwe kwa sepateleng sa Tutume e seng kwa Gweta gore fa seemo se sa tokafale ba kgone go isiwa kwa sepateleng sa Nyangagwe. 
Rre Seledi o ne a leboga banni go bo ba buile matshwenyego a bone a ba tlhalosetsa fa ba tla leka ka thata go bona gore batho ba bona dithuso le ditlamelo tse di lolameng. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa go tla agiwa kokelwana e e tla akaretsang mantlo a babereke. Rre Seledi o boletse fa molwetsi a na le tshwanelo ya go fiwa tlhaloso fa a sa itumelele thuso e a e fiwang le go ikuela kwa bogogeng jwa kokelwana. O ne a rotloetsa babereke ka ene go thusa setshaba ka lorato nako tsotlhe. O ne a bua fa bolwetsi jwa motho ele sephiri a kopa banni go lesa go tsamaya ba bua ka malwetsi a ba bangwe. O ne a ba kopa go tswelela ba dirisanya mmogo le bodiredi jwa kokelwana. health 6 Dikgoreletsi tse di kgobang marapo di tlaa tlosiwa Ditsetlana dingwe tse di ntseng di kgoreletsa bagwebi ba mafatshe a sele mo Botswana di tlaa ntshiwa gore ba wele dibete fa ba le mono. Se se builwe ke tona wa merero ya setshaba, mesepele le bong, Mme Dorcas Makgato kwa diphuthegong tsa kgotla kwa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami bosheng. A re bagwebi ba nna le letshogo ka ba sa itse gore e tlaa re morago ga ngwaga tse tlhano ba bo ba le fa kae. Mme Makgato a re go tlaa baakanngwa tsetlana e gore mogwebi yo o ntseng a gweba mono e bile a itsewe, a fiwe tetla ya go nnela ruri mo lefatsheng leno go na le gore morago ga ngwaga tse tlhano a bo a kopa go nna mo lefatsheng leno. A re mogwebi yo e leng gone a dirang kgwebo mono, o tlaa kanokwa mme le ene a fiwe tetla ya go nna mo lefatsheng leno. Batswana a re ba seka ba tsenwa ke tsebetsebe ka gore go tlaa salwa molao morago e bile go tlaa dirwa tse di maleba. Kgang e nngwe e e tlaa tsibogelwang a re ke nako e e tsewang go kopa go nna mo lefatsheng leno ke bagwebi. A re go tlaa fokodiwa dikgwedi gore mogwebi a seka a itlhoboga. Mme Makgato a re diphetogo tse, di tlaa thusa go ngoka bagwebi go tla mono ba sa tshabe sepe gore ba direle Batswana ditiro. A re diphetogo tse di tlaa dirwang, di tlaa dirwa go setswe ditsamaiso morago. A re ke dingwe tsa dikgoreletsi tse di ntseng di kgoba bagwebi kana babeeletsi marapo go gweba mono. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Thekiso ya bojalwa e tshwarisa mosadi Mapodise a Tati-town a tshegeditse mosadi mongwe wa dingwaga tse di masome mane le borobabongwe mabapi le go rekisa bojalwa mo koloing a se na teseletso. Mo potsolotsong , mookamela mapodise ao, Superintendent Cyprian Magalela a re ba ne ba tshwara mme mongwe ka go rekisa a se na teseletso. Supt Magalela a re fa ba ntse ba tsweletse ba phuruphutsha mme yoo, ba ne ba fitlhela gape a na le setlhatshana se se belaesegang e le motokwane. O tlhalositse gore setlhatshana seo se tlaa isiwa go ya go tlhatlhojwa. Supt Magalela a re ba ne ba tshwara banna ba le bararo ba ba neng ba nwela bojalwa mo lefelong le le sa letlelelweng. Mookamela mapodise a Gerald Estates, Supt Masego Mathitha ene o boletse fa e ne ya re Sedimonthole a le masome mabedi le borobabobedi ga nna le kotsi ya koloi ya kara e e gapileng matshelo a batho ba le babedi, e bong mme yo o dingwaga tse di masome mabedi le boraro le rre yo o dingwaga tse di masome mabedi le bongwe. Supt Mathitha a re bapagami ba ne ba le bane, go balelwa le mokgweetsi, mme a tlatsa ka go re ba le babedi ba robaditswe kwa Nyangagbwe mme ba a sidilega. E re dikgang di eme jalo, mookamela mapodise a Matsiloje, Supt Obert Manji o boletse fa e ne ya re ka letsatsi la ngwaga o mosha maitseboa, lekawana lengwe la tlhajwa ka sengwe se se bogale mo sehubeng. Supt Manji a re lekawana leo la dingwaga tse di masome mabedi le botlhano le robaditswe kwa kokelong ya Nyangagbwe mo Francistown mme o a sidilega. Le fa go ntse jalo, baokamedi ba mapodise ka go farologana mo Francistown ba akgoletse beng ba marekisetso a bojalwa go obamela melao ga mmogo le Batswana kakaretso ka tirisanyo mmogo e ntle. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Ditsela ga di mo ditogamaanong Mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Biggie Butale o tlhaloseditse banni ba Sechele fa tsela e e gokaganyang Hubona le Letsholathebe e sa akarediwa mo lenaneong la ditlogamaano tsa ditlhabololo la NDP 11. Rre Butale, yo gape e leng mothusa tona ya botsogo le boitekanelo, o kopile banni ba Sechele go thulanya ditlhogo go tla ka maano go bona gore ba ka lwantsha seemo jang. Fa a araba dilelo tsa bone, mothusa tona a re fela jaaka go dirilwe tsela ya Matenge, le bone ba ka dirisa bontlha bongwe jwa madi a bone a ba a abetsweng go tlhabolola dikgaolwana, go reka ditena le didirisiwa tse di tlhokegang go itirela tsela. A re e re ka tsela ya bone e ka se ke e dirwe mo bagautshwaneng jaaka ba eleditse, ba lebisise mogopolo oo thata ka e le one fela o ka ba tswang thuso mo nakong eno. E rile a buisa phuthego ya kgotla, Rre Butale a re le ntswa seemo sa ditsela tseo se ngomola pelo, ba tlaa nna ba se beile leitlho gore gongwe e tlaa re mo ngwageng tse pedi tse di tlang, fa go dirwa tshekatsheko ya bogare jwa ditlhabololo e tlaa akarediwa kana gongwe fa seo se ka retela, e ka akanyediwa mo ditogamaanong tsa ditlhabololo tsa lenaneo la NDP 12. O tlhalositse fa lenaneo la ditogamaano le se ke le akaretsa ditlhabololo le dilelo tsa Batswana tsotlhe, a supa fa go bewa leitlho thata mo mafelong a a nang le letlhoko le lentsi, e bile ditsela tsa teng di dirisiwa thata jaaka ya Francistown -Nata. A re ditlhabololo di dirwa ka go tlhomagana ga botlhokwa le tiriso. Kgosi Mosikari Sechele wa motse oo o ikuetse mo mopalamenteng gore segolo tsela e e ba gokaganyang le Makaleng e tshelwe mmu gore e tsholetsege gore fa dipula di tshologa e seka ya senyega thata. O ikopetse gape gore tsela eo e gopiwe gangwe le gape gore badirisi ba kgone go nna ba kgabolela mo mafelong ao, ntle le dikgoreletsi dipe ka tota seemo sa yone e se se se itumedisang. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Elijah Joseph o ne a tlatsa ka go kopa gore segolo go ntshiwe lekoko go sekaseka seemo sa ditsela tsa bone gore go bonwe gore ba ka ikemela ka dinao jang. Rre Moraka Nfichani le ene o ne a supa fa ditsela di kgoreletsa ditlhabololo go tla mo metseng ya bone. A re fa seemo sa ditsela se sa itumedise ditlhabololo di nna boutsana ka sengwe le sengwe se tla ka tsela. O supile gape fa ba le ’bete se molangwana ka ditsela tsa bone, ka e le makgetho a le mmalwa ba ikuela ka tsone mme go sena sepe se se dirwang go tsibogela seemo. E rile a tswa la gagwe, mogolwane go tswa kwa lephateng la ditsela mo Bokone Botlhaba, Rre Ntsosa Ntsosa o tlhaloseditse banni ba motse oo fa ba tlaa tsibogela matshwenyego a mangwe a tshwana le fa go fetang metsi a a leswe teng. O tlhalositse fa madi e le sekgoreletsi se setona, a supa gape fa lefatshe ka bophara le itemogela kgwetlho e, segolo jang mo diemong tsa ditsela ka bontsi, ka jalo a ba kopa go nna ka tsholofelo. Mo go tse dingwe, banni ba Makaleng ba ne ba supa fa ba sa tshwaragana sentle. Ba tlhalositse fa kagiso e le selo se ba se bonelang mo metseng e mengwe. Rre Ndawa Nkoshwane a re ga go na kutlwano le tshwaragano mo motseng, mme seo se baya morafe ka fa mosing. O tsweletse ka go re go tlhoka kutlwisisanyo go dia le tsone ditlhabololo. Banni ba motse ba kopile mothusa tona go ba letlanya gore go nne le tshwaragano magareng ga bone. Ba re a lebisise le gone gore mosi wa ’kgong tse di metsi o tswa fa kae. E rile a tsibogela selelo sa banni ba Makaleng, Rre Butale a kopa banni go nna fa fatshe ba itshekatsheka go bona gore ba tsisa kagiso jang magareng ga bone. A re kagiso, lorato le tshwaragano ke tsone fela di ka ba thusang go fitlhelela maitlamo, ditlhabololo le tse dingwe tse di molemo. politics 7 Mosala o boela mo tirong Banni ba Mmathethe ba sa tswa go amogela ka mogolokwane le bongwe fela ja pelo go busediwa mo setilong ga kgosana ya kgotla ya Goo-Rratebogo kwa motseng oo, Rre Reuben Mosala. Rre Mosala o ne a seegetswe fa thoko mo tirong dingwaga tse nne ke puso ka molato wa go belaesega mo bogodung jwa leruo. E rile a ba rolela kgosana mo kgotleng e tona ya Mmathethe ka Laboraro, Kgosi Daniel Mathiba wa Mmathethe a bolela fa Kgosana Mosala a ne a seegilwe ke puso ka molato oo , mme o ne a seka a bonwa molato, ka jalo o busediwa gape mo tirong. Kgosi Mathiba o boletse fa ba buetse le Kgosana Mosala ka fa bothokong gore a simolole tiro mme a itshware sentle fa pele ga morafe a bo a bereke ka botswapelo ka e le motho yo o mashetla mo tirong. Fa ba mo amogela, ba boletse fa ba ntse ba mo tlhologeletswe thata, ba tlatsa ka gore Kgosi Mathiba o ntse a tshwere ka a mabedi a tlhoka bathusi. Ba supile fa kgotla ya gagwe e setse e kgagoga, bolobeto ba iphile naga mo boseong ja gagwe. Matlhogoputswa ka go latelana ba supile boitumelo thata mme ba gakolola kgosana go tla go tsholetsa dikausu, ba bolela fa a tshwanetse go bereka le badirelapuso le kgosi go tlhabolola motse wa Mmathethe. Ba mo kopile gore a nyale mosadi yo o tlaa mo gakololang mo bogautshwaneng. Ba boletse gape fa batsadi ba tshwanetse go mo tlotla ba bo ba gatelela ka gore mo baebeleng go kwadilwe gore, “tlotlang kgosi mme le boife modimo’’.Ba rotloeditse kgosi gore o tshwanetse a leme a bo a rue eseng go kopa mo morafeng wa gagwe. bokhutlo politics 7 Ratoropo wa Selebi Phikwe o akgola sekole sa Meepong Ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Molosiwa Molosiwa o akgotse tiro e ntle ya sekole se segolwane sa Meepong le ntswa toropo eo e lebanwe ke dikgwetlho. Fa a bua kwa moletlong wa phenyo wa maduo a JC a 2017 a sekole seo kwa Selebi Phikwe gompieno, o boletse gore sekole seo, se dirile go feta jaaka mongwe le mongwe a ne a solofetse, fa go lebeletswe bothata jo baithuti ba neng ba lebagane le jone, batsadi ba bone ba sena go latlhegelwa ke ditiro kwa moepong wa BCL. A re maemo a bobedi a a tserweng ke sekole seo mo lefatsheng le mo kgaolong a tshwanetse go ipelelwa. A re sekole seo se dirile gore toropo ya Selebi Phikwe le setshaba ka kakaretso ba ipele. Le fa go ntse jalo, Rre Molosiwa o gateletse botlhokwa jwa gore batsadi ba nne le seabe mo thutong ya bana. A re go nna le seabe ga batsadi mo thutong ya bana go nonotsha maikutlo a baithuti, gape go ba neela maatla go dira bontle mo dithutong. Sekole sa Meepong se bone phenyo ya 75.8 Go ya ka mogokgo wa sekole seo, Mme Dorcus Olebile a re matshwao ao a a tserweng ke sekole seo a kwa godimo fa e sale se simololwa ka 1984. O supile gore mo baithuting ba le 153 ba ba kwadileng ditlhatlhobo, ba le batlhano ba tsere letshwao la A, ba le masome mane le motso ba tsaya la B. Kgosi Boitshwarelo Mabutlwane wa Kubung a re lenaneo la Ipelegeng le thusitse batho ba motse wa gagwe kgatlhanong le letlhoko la ditiro. O boleletse lekalana la dikgang la Seromamowa sa Botswana, fa batho ka bontsi ba ikaegile ka Ipelegeng ka ntata ya pula e e boutsana, le letlhoko la ditiro. A re go solofetswe thobo e e sa nametseng ka ntata ya pula e e boutsana. Kgosi a re malwapa a Kubung ka bontsi a ka o ora wa mariga. Lenaneo la Ipelegeng le simolotswe ke Tautona Khama, mme le solegela molemo batho ba magae ka ditiro di santse di tlhaela. Lenaneo leo gape le a galalediwa ka le phepafatsa tikologo mo magaeng le mo ditoropong. education 4 Komiti ya Mokatse e gatetse pele Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Mokatse mo kgaolong ya Kgatleng, Mme Itumeleng Phesudi a re komiti eo e gatetse pele mo go tlhabololeng motse wa bone gonne e sale ba tlhophiwa go simolola tiro ngwaga o o fetileng ka Phatwe ga ba ise ba lebe kwa morago bogolo jang ka ba fitlhetse tema e segilwe ke komiti e e neng e tswa. Mo potsolotsong bosheng, Mme Phesudi o boletse fa ba ikemeseditse go dira gotlhe go rurifatsa gore ba dira thomo e ba e neetsweng ke morafe. A re komiti eo e na le matlo a ferabobedi a a hiriseditswe batho otlhe, mme seo se ba thusa go bona madi gore ba tsweledise ditiro tse dingwe tsa komiti. O supile fa ntlo ya bofelo go agiwa ba dirisitse madi a a fetang dikete di le lekgolo mme e bile e setse e bone motho yo o nnang mo go yone. O tsweletse a re ba na le maikaelelo a go dira tshingwana ya merogo le go dira mafelo a bajanala ba ka a etelang, sebe sa phiri ke gore ba sale ba kopa ditsha tseo mo lephateng la kabo ditsha mme nako kgolo ke eno. Modulasetilo a re ba tla a nna pelotelele go fitlhelela ba kabo-ditsha ba ba abela ditsha tseo gore ba simolole go dira madi go tlhabolola motse le kgaolo ya bone. O boletse gore mo motseng wa bone go na le letlapa le le ntle le batho ba ratang go itseela dinepe teng mme ba sale ba kopa tetla ya go le tlhabolola gore batho ba tseye dinepe sentle le gompieno ga ba ise ba bone phetolo. A re o kopa ba kabo-ditsha go tsibogela dikopo tsa bone ka bonako gore ba kgone go tswelela pele gonne go setse go le lebaka ba kopile ditsha tseo. Le fa gontse jalo, Mme Phesudi a re e re le ntswa ba dira sentle fela thata, dikgwetlho di teng tse di ba itsang go dira bontle le go gaisa, jaaka letlhoko la madi bogolo jang fa ba lebile gore batho ka bontsi ba batla boroko. A re ba na le palo ya batho ba ka tshwara masome a mararo ba ba batlang boroko mme fa ba ne ba kgona ba ne ba tla aga matlo a le mantsi gore ba ba hirisetse Mme Phesudi a re babereki ba ba nnang mo matlong a bone ba ba busetsa morago ka gore ga ba duele sentle ka ba kgona go tlodisa kgwedi mme ba sa utlwe mabaka a bone. A re mo nakong e e fetileng ba ne ba oketsa madi a go hirisa matlo mangwe a bone ba lebile ditshenyegelo tsa go a baakanya le gone gore ke a seemo se se botoka fela thata ka a na le dikamore tsa boroko di le pedi. O boletse fa bahirisi ba sa itumelela seo mme e sale ka Phukwi ba ise ba duele matlo ao mme a re le fa ba bua le bone ka kgang ya sekoloto ga go nko e e tswang lemina jalo a supa fa ba kopile thuso mo go mokhanselara go rarabolola kgang e. O tsweletse a re ga se setho e bile ga go ba jese monate gore e re fa ba batla dituelo tsa matlo mo badirela pusong ba ba hirisitseng matlo a bone, ba bo ba sa ba buise sentle gonne maikaelelo a komiti ke go thusa bone pele ga botlhe gore tiro ya bone e nne motlhofo. Mme Phesudi o supile fa ba tla a tsaya kgato e nngwe go ya pele kwa go molaodi gore bothata jo bo rarabololwa. politics 7 Bagodi ba Mahalapye ba batla mananeo Bagolo ba ba tlogetseng tiro ka bogodi ba kgaolwana ya Mahalapye Bophirima, mme ba ise ba amogele madi a bagolo ba kopile puso gore le bone ba batla mananeo a puso a ba ka itshetsang ka one. Bagolo ba, ba buile se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya bone Rre Joseph Molefe ka Labobedi ( Motsheganong 5). Ba supile fa ba tlogela ditiro ba le masome a marataro ba ka dira sengwe le bone go na le gore b abo ba sotlega bas a ithuse ka sepe. Mongwe wa bagolo bao, Rre Mmoloki Nkaiwa o supile fa le bone ba santse ba ikutlwa fela thata mme ka jalo puso e ba akanyetse. Rre Nkaiwa a re ba lebogele gore puso e bo e eme ka dinao go thusa go fokotsa letlhoko la ditiro ga banana ka go ba tlhamela mananeo a ka one b aka ithusang ka one, a tlatsa ka gore le bone ba ka ithusa fela thata fa b aka direlwa a a ba amang. O ne a tlhalosa gore le bone ke Batswana mme ba a miwa ke letlhoko la ditiro fa ba tlogela ditiro mme ba santse ba ikutlwa. Mo go tse dingwe banni ba kgaolwana e ba ne ba itela ka letloko la motlakase, metsi le ditsel atse di sa siamang. Ba re kgaolwana ya bone e amilwe ke letlhoko le legolo la letlhoko la metsi mme sebe sa phiri ele diphaephe tse di dutlang mo motseng. Ba re go tsaya lobaka lo loleele go baakanya diphaephe tse mme metsi a felele a eme mo a k aba bakelang le bone bolwetsi jwa malaria tota. Banni ba kopile mopalamente go emela se ka dinao ka e le matshwenyego fela a atlhokang go potlakelwa. E ne yare go le pele leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Jacqueline Tjidvasera a kopa mopalamente wa bone gore mathata a ba aparetsweng ke one mo kgaolwaneng ya bone ke letlhoko la lobo la kgotla. Mme Tjidvasera a re ba bolawa ke letsatsi k aba tsenela diphuthego mo lebaleng ka ga go na leobo, go sena le yone ntlo ya boitekitso le one metsi tota a tlatsa ka gore selo se se dira gore e nne e kare kgaolo ya bone e bati. Mo go tse dingwe o ne a lela fela ka letlhoko la didirisiwa tsa lenaneo la ipelegeng a re, babereki ba nna fel aba sa dire sepe ka go nne go sena didirisiwa. A re kgaolwana ya bone e sekgwa fela se ban aba tshabang go ya sekoleng le bagolo ba thubediwang ntswa go nale babereki ba ipelegeng mme go sena se b aka thusang ka sone k aba sena didirisiwa. Mme Tjidvasera a re sekgwa se gape sekatsa le bone borukutlhi mo kgaolwaneng ya bone fela thata, mme a kopa mopalamente go potlakela se. E ntse ele ka Ipelegeng, o ne a kopa gore ba okelediwe babereki a re palo ya masome a mabedi le bone e kwa tlase fela thata ka kgaolwana ya bone e le tona. Mo go tse dingwe, o ne a tlhalosa fa kgaolwana ya bone ele kgakala le sepatela mme ba sokola go ya kwa sepateleng bosigo kgotsa motshegare k abo rra dikhombi ba gana go ba isa. Fa a ba kgwa dikgaba, Rre Molefe o ne a tlhalosa fa a tsile go ikopanya le ba lephata la ditsela ka go nne banni ba ngongorega fela botlha ka bontsi. Rre Molefe a re ga go a tshwanela gore dipalamo tsa setshaba go golo jang di-taxi di gane go ba isa kw aba yang teng kgotsa kwa sepatela ka di diretswe go isa batho ka ba yang teng. Ka dikgang tsa sepatele go bo se le kgakala mopalamente o ne a tlhalosa fa puso e kakantse gore motse wa Mahalapye o motona mme e tlhatlose dikokelwana tse tlhano tse di teng mo motseng go nna tse di tona e bile di rira letsatsi lotlhe. A re se se ka fokotsa le one mosuke kwa sepateleng se segolwana, a tlatsa ka gore dikago tsa sepatele se segologolo le tsone di tsile go shafadiwa mme se tsene mo tirisong. Rre Molefe o ne a tlhalosetsa banni banni gore o tlaa tsaya matshenyego otlhe a kgaolo ya bone a a ise kwa maphateng a a lebaneng. Mo go tsa banana gone o ne a ba tlhalotse gape gore lenaneo la banana la Youth Farmers Fund jaanong le fetogile, mme jaanong ele Youth Enterpreneuship Fund, a tlatsa gore ka lone lenaneo le jaanong banana fela botlhe b aba nang le keletso ya go ka itshimololela dikgwebo e leng tsa Bojanala, mesepele kgotsa dipe fela ba ka kopa madi a. society 9 Ba mo letsomong la moithuti Mookamedi wa lephata la thuto wa kgaolo ya Borwa, Rre Acro Maseko o kopile setshaba go ba thusa mo letsholong la go batla mosetsana wa dingwaga tse di lesome le boferabobedi wa kgotla yooraTlagae Kwa Kanye yo o saleng a nyelela ka Labobedi (Ngwanatsele a tlhola gangwe). Rre Maseko o buile se mo potsolotsong le ba lekalana la dikgang la BOPA ka Labobedi. A re ope fela yo o ka tswang a bone kgotsa a itse kwa mosetsana yoo a leng teng o kopiwa go ikopanya le ba ba maleba jaaka ba sepodisi go ba itsise. Rre Maseko o tlhalositse gore mosetsana yo o ne a kwala ditlhatlhobo tsa gagwe tsa lekwalo la botlhano, tse a di tlogetseng di ntse di tsweletse. “Ga re lemoge sepe fela se se ka mo ntshang mo sekoleng”, Maseko o tlhalositse jalo, a tlatsa ka gore ba lekodisitse ba lephata le le okametseng ditlhatlhobo la Botswana Examinations Council (BEC) ka seemo se. A re go dirisitswe ditsela di le mmalwa go senka mosetsana yoo, ka go botsolosa masika le ditsala mme nako kgolo ke eno. Rre Maseko o kopile le ene mosetsana gore gongwe le gongwe kwa a leng teng a boele gae a tle go tsweledisa ditlhatlhobo fa a di tlogetseng teng, a tlatsa ka gore ba tlaa rulaganya gore a kwale tse a sa di kwalang mo ngwageng o o tlang. O tsweleletse a tlhalosa gore e le ba lephata la thuto mo kgaolong ya Borwa, tiragalo e, e ba amile fela thata a ba a tlhalosa fa ngwana yoo ene e le mongwe wa ba ba dirang sentle fela thata mo dithutong tsa bone. Fa a ntsha la gagwe, mmaagwe ngwana yoo, Mme Kgomotso Kelebopile o tlhalositse fa ngwana a dule mo lapeng ka Labobedi motshegare a re oya go reka moriri. Mme Kelebopile a re fa ba tlhoka ngwana ka nako e ba e tlwaetseng mo lapeng gone ka Labobedi ba ne ba leka go mo leletsa mme ka go tlhoka lesego mogala wa gagwe o ne o timile. A re ba ne ba leletsa masika le ditsala go mo tlhola kwa go bone mme ba supa fa ba ise ba mmone, seo sa dira gore ba begele ba sepodisi mo letsatsing le le latelang. Mmaagwe a re se se ba hakgamaditse, ka ke ngwana fela yo o utlwang e bile a seke a tsamaela kgakala gape a seke a phirimelelwa ke letsatsi a seyo mo lapeng. Maiteko a go tswara mapodisi a iteile se fololetse. crime_law_and_justice 1 Madi a mmele a a tlhaela Puso e tshwenngwa ke seemo sa tlhaelo ya madi a mmele. Fa a bua morago ga mogwanto o o neng o rulagantswe ke mokgatlho wa First National Bank Foundation ka Tshipi, mogolwane wa sepodisi kwa Serowe, Superintendent Poloko Oteng o ne a tlhalosa fa go le molemo go bona makalana mangwe a tsibogela seemo se. Superintendent Oteng a re lefatshe leno le tlhoka dipaente tse 45 000 tsa madi ka ngwaga. Superintendent Oteng o ikuetse mo go ba ba neng ba tsile go gwanta, go rotloetsa ba masika go aba madi go somarela matshelo. A re ka motsotso mongwe le mongwe, gona le motho yo o tlhokang go tshelwa madi. Superintendent Oteng a re mafatshe a mangwe ga a na go ka kopa madi kana go a beela diemo tse, a supa fa go le motlhofo go dira jalo mono ka go na le baithaopi ba ba abang madi ka thulaganyo le ba botsogo. A re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go ikitaya ka thupana go aba madi. Motho yo o abang madi a mmele o tshwanelwa ke gonna bokete jwa 40kg kana go feta gape a le dingwaga di 17 go tsena ka 65 ebile a itekanetse. Superintendent Oteng o gwetlhile banana go tsaya karolo mo go abeng madi. Inspector Relebatseng Thataemang, yo gape e leng moetelediple mo go tsa twantsho kgokgontsho ya bong, o kaile fa ka dinako dingwe kgokgontsho e baka dikgobalo tse ditlhokang gore motho a tshelwe madi, a supa fa kgokgontsho e le sengwe sa tse di ka lwantshiwang ke setshaba sa bo sa e fedisa. A re mongwe le mongwe a tseye boikarabelo go lwantsha kgokgontsho e e jweleletseng mo malwapeng, mme e sa begelwe ba ba maleba go thusa. O supile fa sepodisi se eme ka dinao go lwantsha kgokgontsho ka mefuta yotllhe ya yone. health 6 Dikereke di itlama go tsaya kgato kwa Mochudi Baruti ba dikereke ka go farologana kwa Mochudi ba dumalane go ema nokeng maiteko a puso a go fokotsa kanamo ya bolwetse jwa COVID-19. Baruti ba ne ba dira tsholofetso e kwa bokopanong jwa boeteledipele jwa diphuthego tsa dikereke kwa Mochudi bosheng. Bokopano bo ne bo rularantswe ke modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Daniel Molokwe. O ne a kopa boeteledipele jwa dikereke go nna lentswe la puso ka go netefatsa gore melaetsa e e maleba e amogelwa ke diphuthego. O supile gore khansele ya Kgatleng le yone fela jalo e amogetse le go tsaya dikgato tsa tshoganetso ka go emisa bokopano bope jwa kgaolo jo boneng bo rulagantswe jaaka phuthego ya khansele, e e neng e tshwanela go simolola ka Mosupologo oo tlang. “A re tseyeng boikarabelo jo bo maleba ka go tlhomamisa go dira tse di tshwanetseng go ipabalela le go babalela setshaba kgatlhanong le bolwetse jo ka go tsaya tsia dikgakololo jaaka fa di tla,” Modulasetilo Molokwe a gakolola. Moemedi wa ba botsogo, Dr Motlalepula Pone, wa Kgatleng District Health Management Team (DHMT) a re Botswana o dira ka natla go betla methale ya go hema kanamo ya mogare, ntlha e a reng e ka kgonega ka boikarabelo jwa botlhe. Dr Pone a re seemo se ke sa tshoganetso, mme e bile mafatshe a se tsibogetse ka mashetla, ka jalo go botlhokwa gore lefatshe leno le batho ba lone ba tseye karolo go se hema. Moruti wa Dutch Reformed Church, Reverend Jimmy Phale, o lebogetse dikgato tsa go supa boikarabelo ka melaetsa e e maleba, ka jalo a supa fa go saletse dikereke go ntsha lefoko mabapi le diphuthego tsa dikereke jaaka paseka. Moemedi wa Bible Life Ministries, Rre Thabo Linchwe, o gakolotse ka bodiphatsa jwa melaetsa e e tsietsang mo maranyaneng ka e na le bokgoni jwa go timetsa setshaba. A re go lemosegile mo lebakeng le fetileng gore batho ba ne ba seka ba tsaya ka tlhwaafalo dikgakolo tsa ba bongaka ka seemo sa HIV/AIDS, ntlha e e neng ya baka kanamo ya mogare le go ama itsholelo ya mafatshe. “A re tseyeng ka tlhwaafalo dikgakolo ka mogare wa corona go ya ka boitseanape jwa ba lephata la botsogo le boitekanelo go boloka matshelo a setshaba ka go tsaya ka tlhwaafalo melaetsa e e maleba ka go lemoga fa mpuru a faretswe,” ga gakolola Rre Linchwe. religion_and_belief 8 Tuelo e kwa legodimong Botlheba ba tsweletseng ka go araba kopo ya ga Tautona ya go thusa ba ba tlhokileng lesego ba tlaa duelwa ke Rraetsho yo o kwa legodimong. Mafoko a, a builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala, Rre Prince Maele jaaka a ne a bula semmuso ntlo yoora Makgolwane kwa Lerala ka Labotlhano (12/09/2014). Rre Maele o ne a akgola khamphani ya Partners Maintenance go bo ba bone go tshwanela gore ba agele boora Makgolwane ntlo ya dikamore tse pedi, ntlwana ba bo ba ba rekela dikobo le diaparo. A re ba le bantsi ba tshwanetse go tsaya malebela mo go se se dirilweng ke khamphani eo, segolo jang ka e le ya banana. O boletse gore fa banana ka bontsi ba ka nna le mowa o o tshwanang le o, lefatshe leno le tlaa tsoga le na le baeteledipele ba ba tiileng. Rre Maele a re fela o maswabi ka gore tiro e e dirilwe ke bana ba ba tswang kwa ntle ga Lerala. A re mongwe mo motseng wa Lerala o ka bo a ne a lemoga seemo sa boora Makgolwane pele se lemogwa ke baeng ba ba tsileng Lerala ka tsa tiro. A re le fa motho a se na se a ka thusang ka sone, go supa mowa wa lorato ke selo se se molemo. Rre Maele o ne a akgola ba ba thusitseng Partners Maintenance go lemoga lolwapa loora Makgolwane. Rre Tiisetso Masasa wa Partners Maintenance o supile fa lorato le mowa wa kutlwelobotlhoko e le tsone tse di ba gwetlhileng go thusa boora Makgolwane. O kaile gore o fitlhetse boora Makgolwane ba ba nnang ba le lesome le bongwe ba nna mo seemong se se sa iketlang. A re ba ne ba utlwalela ka botshelo ba boora Makgolwane ka mongwe wa banana ba Lerala mme ba seka ba eletse go utlwa se gape. Rre Masasa o supile fa khamphani ya bone e ntshitse P36 000 go thusa. O kaile fa dithuso tse dingwe ba di neilwe ke bagwebi bangwe mo Lerala mme ntlo ya agwa ke baithaopi. O boletse fa kago e ba tsere dibeke tse tharo fela. A re gape o ne a buisana le mongwe wa bagwebi gore a thape monana mongwe mo lelwapeng leo mme ba dumalana. Mme Sesi Makgolwane yo o neng a abelwa ntlo o ne a supa boitumelo jo bogolo. O ne a rotloetsa Partners Maintenance go tswelela ka mowa o ba nang nao gore ba kgone go thusa ba bangwe. A re e ne e re ka nako tsa dipula ba bo ba tshabela ka fa tlhase ga setlhare ka ntlo ya bone e ne e se na borulelo jo bo itsetsepetseng, ka jalo ba tshaba go welwa le ditena. O solofeditse gore ba tlaa sala ba tlhokometse mpho eo. BOKHUTLO society 9 Ipelegeng lo thuse puso - Malefho Banni ba kgotla ya Mpaphadzi kwa Serowe ba rotloeditswe go ipelega ka se se ka thusa puso go isa ditlhabololo tsa lefatshe leno kwa pele. Se se builwe ke Dr Kolaatamo Malefho kwa kgotleng ya Mpaphadzi fa a ne a rolela kgotla eo pompo bosheng. Dr Malefho a re le fa puso e leka go tlhabolola matshelo a Batswana, go tlhokafala gore setshaba le sone se tsenye letsogo fa se kgonang teng. O ne a akgolela mokgatlho wa Marang go bo o bone go tshwanela gore go tsenngwe pompo kwa kgotleng. A re fa mekgatlho e mengwe e ka bo e ne e tshwere jaaka wa Marang, lefatshe le ka bo le tsweletse pele. A re bonatla jwa mofuta o, bo tshwanetse go galalediwa. A re letlhoko le teng mme fa batho ba na le tumelo tsotlhe di ka kgonega. Motshwara madi wa mokgatlho, Rre Thatayaone Matjologwe a re ba ne ba bona go tshwanela go tsenya pompo kwa kgotleng eo ka ba ba letleletse go dirisa diofisi tsa bone. A re bagolo ba amogelela mo kgotleng eo e bile diphuthego tsa morafe di tshwarelwa foo, mme letlhoko la metsi le ne la iponagatsa. “E ne e re fa go na le ditiro re bo re kopa metsi mo malwapeng, selo se se neng se tshwenya thata. Ra ema ka dinao go bona gore re baakanya seemo se,” Rre Matjologwe a tlhalosa. Rre Matjologwe a re ba ne ba simololola ka go rekisa borotho, selo se se neng se sa dire madi go le kalo, ka jalo ba kokota mo malwapeng go kopa dithuso. A re ba ne ba tsena kwa ga Dr Malefho yo o neng a utlwa selelo sa bone, mme a ba laela go tla ka tlhwatlhwa ya tsotlhe tse di tlhokegang. Tiro yotlhe e ne e ya lopa P1 700, mme maCluster a ba thusa go epa mosele. Modiri wa BONEPWA e bile e le molomaganyi wa mekgatlho, Mme Othugile Karantine o ne a akgolela mokgatlho wa Marang go bo ba itlamile go tokafatsa matshelo a setshaba. A re le fa ba lebagane le go kgothatsa ba ba tshelang le ba ba amilweng ke mogare wa HIV le go thusa ba ba kgokgontshitsweng, mokgatlho o gape o lebelela letlhoko jaaka ba bone go tshwanela go tsenya pompo kwa kgotleng. society 9 Badiri ga ba tsenye moko mo nameng Mookamedi wa lephata la khiro ya badirelapuso, Rre Cater Morupisi a re dipatlisiso di supa fa badirelapuso ba sa dire go lekanye go ntsha maduo le go isa ditlamelo kwa setshabeng. O tlhalositse se fa a buisa badirelapuso ba kgaolo ya Borwa Botlhaba kwa Ramotswa ka Labobedi, Tlhakole a tlhola malatsi a lesome le borobabobedi. Rre Morupisi o tlhalositse fa dingwe tsa dipatlisiso tse, di dirilwe mo gae ke ba Botswana National Productivity Centre fa tse dingwe di dirilwe ke lekgotla la mafatshefatshe la World Economic Forum, le le kalang le go sekaseka ka fa mafatshe a phadisanyang ka teng. A re go simologa ka dingwaga tsa bo 2008, lefatshe leno le kgonne go tokafatsa maduo a lone go tswa kwa go masome a supa le borobabongwe (79) mo mafatsheng a le lekgolo le masome a mane le bone(144), go ya kwa maemong a bo masome a supa le bone(74) A re ditshekatsheko tse di supa fa gona le dikgoreletsi mo go iseng ditlamelo kwa bathong. O kaile gape fa dintlha tse di supilweng ke makgotla ka bobedi di tsamaelana mme di akaretsa go tlhoka go tsiboga go fa ditlamelo, go ntsha dikitsiso tse di sa felelang le madiadia a go fa ditirelo. Le fa gontse jalo , Rre Morupisi o kgothaditse badirelapuso go fa setshaba dikitsiso tse di lolameng, go nna pelotelele fa ba bereka le setshaba ga mmogo le go nna boikanyego ka ke bone matlho a setshaba. Rre Morupisi a re babereki ba tshwanetse go nna le maitshwaro a mantle ,a bo a kaya fa ba ikemiseditse go rutuntsha bangwe ba badirela puso mabapi le se. O tladitse ka gore go botlhokwa thata gore badirelapuso ba supe manontlhotlho fa ba thusa setshaba. Mo go tse dingwe, Rre Morupisi o tlhalositse fa go se ope yo o ka ganelang gore dituelo tsa badirelapuso di kwa tlase, fa go lebilwe koketsego ya ditlhwatlhwa. Mme a re ga se gore puso e gana go oketsa dituelo go itepatepanya le koketsego ya ditlhwatlhwa, sebe sa phiri ke gore itsholelo e santse e ise e tote. O kaile fa ba le mo dipuisanong le ba makgotla a babereki ka koketso ya dituelo, mme a tlatsa ka gore puso le ba makgotla a babereki ba dumalana ka dintlha di le mokawana, le fa ba farologana fa go buiwa ka dituelo tsa badiri. Rre Morupisi o tlhalositse fa puso e le mo tseleng ya go baakanya molao wa bodirelapuso, gore o tsamaelane le melao e mengwe ya lefatshe leno. Ka jalo,o ba rotloeditse go ntsha maikutlo a bone fa ba bonang go ka baakanngwa ka teng. BOKHUTLO politics 7 Batshu o akgolela badiri tiro e ntle Badiredi ba lephata la tsa pereko le selegae ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba kopilwe go tswelela ba dira tiro ya bone ka manontlhotlho. Fa a buisa badiredi ba lephata leo mo bokopanong jo bo neng bo tshwaretswe kwa Masunga bosheng, tona wa lephata leo, Rre Edwin Batshu o ne a akgola badiredi go bo ba dira tiro ya bone ka botswapelo lentswa ba lebanwe ke dikgwetlho tse di farologaneng mo ditirong tsa bone, a re fela ba tshwanetse ba leka bojotlhe go bona gore dikgwetlho dingwe tse ba kopanang le tsone ba ka di rarabolola jang. A re go bo go sena dingongorego dipe gotswa mo setshabeng mabapi le ka fa ba isang ditirelo ka teng, seo se supa gore ba dira sentle mo tirong ya bone, ka jalo o ne a ba gwetlha go tswelela ba dira tiro ya bone ba setse morago tsamaiso, a tlata ka gore ba tshwanetse ba itse fa ba bona dituelo tsa bone e le kantlha ya sechaba se ba se direlang, ka jalo go le botlhokwa gore ba thuse batho ka botswapelo, ba diragatsa tse di solofetsweng mo go bone. O ne a bo a re mongwe le mongwe wa bone o tshwanetse a itse boikarebelo jwa gagwe mo tirong le go ikemisetsa go emela dikgwetlho tse di mo tikologong ya gagwe, a re fela ba tshwanetse gape ba itse fa letlhoko le puso e nang le lone le se pharologanyo le le ka tswang le le kwa malwapeng a bone. Rre Batshu a re go tshegetsa mowa oo, wa go dira tiro ya bone ka tlhoafalo, go ka thusa le gone go godisa itsholelo ya lefatshe leno, a re mo godimo ga moo ba tshwanetse ba tsaya tsia botsogo jwa bone gore ba kgone go ntsha ga tshwene mo ditirong tsa bone. Mo go tse dingwe, tona o tsweletse a gakolola bodiredi jwa lephata la gagwe ka tshenyetso sechaba, a re ba tshwanetse ba ila tshenyetso sechaba lebaibai e bile ba seka ba bo ba amega gope mo go yone ka e na le ditlamorago tse di sa siamang. Tona Batshu o ne a re ga a eletse go bona ope wa bone a raelesegile mme a felela a tsene mo seemong seo, se e ka reng pheletsong a iphitlhele a kailakaila mo mebeleng a sena go kojwa mo tirong. A re go amega mo ditiragalong tseo tsa tshenyetso sechaba, go ka ba diga le sone seriti sa bone tota. Mo go la bone, badiredi ba ne ba itela mo go tona mapabi le dikgwetlho di le mmalwa tse di ba tshwenyang mo ditirong tsa bone, tse di akaretsa go tlhaela ga bodiredi le didirisiwa di tshwana dikoloi le tse dingwe fela jalo. politics 7 Lenaneo le tsweletse sentle kwa Ghanzi Go bolelwa fa lenaneo le le thibelang mogare wa HIV go tswa kwa go mmangwana go ya leseeng le tsweletse sentle kwa kgaolong ya Ghanzi. Mo potsolotsong bosheng, mooki yo mogolwane wa kokelo ya Morama kwa Ghanzi, Mme Godiraone Ramaphoi o tlhalositse fa bomme ba ba itsholofetseng kwa kgaolong ya Ghanzi ba tlhaloganya botlhokwa jwa go ikwadisetsa boimana ka nako gore ba kgone go dirwa ditlhatlhobo tsotlhe tse di maleba ba bo ba thusiwe fa ba ka fitlhelwa ba na le malwetse a tlhakanelo dikobo gammogo le one mogare wa HIV. Mme Ramaphoi o tsweletse a supa fa ba netefatsa gore ba latela bomme ba bangwe ba ba itsholofetseng kwa dipolaseng ba eleng gore ba palelwa ke go ya sepateleng ka mabaka a a farologaneng. A re kgwedi le kgwedi ba latela balwetse gore ba kgone go bona kalafi e e tshwanetseng go netefatsa gore botsogo jwa bone bo babalesegile. A re e re le ntswa nako tse dingwe ba palelwa ke go ya dipolaseng ka mabaka a letlhoko la dipalamo ga ba ise ba nne le dikgang tse mo go tsone bomme ba ba fitlhelwang ka HIV/ AIDS ba belegang bana ba ba nang le mogare ka jaana bone ele ba botsogo ba netefatsa gore ba ba tsenya mo kalafing e e dirang gore bana ba tsholwe ba sena mogare Fa a tswa la gagwe, Rre David Mmolotsi, yo o itebagantseng le go tlhatlhobela bolwetse jwa HIV/ AIDS o tlhalositse fa a itumedisiwa ke go bona bomme ba ba itsholofetseng ba itlhatlhobela bolwetse joo ka dipalo tse di kwa godimo. Le fa gontse jalo, o tlhalositse fa a tshwenngwa ke bangwe ba ba yang thari kwa bongakeng dikgwedi tsa bone di setse di le tlhano. Rre Mmolotsi a re nako tse dingwe ba ba tlang thari ba fitlhela ba na le mathata a gore ngwana ga a nna sentle kgotsa ga a mo seemong se se siameng jalo a tlhoka go thusiwa ke ba bongaka. O boletse gore go le gantsi bomme ba ba berekang kwa dipolaseng ke bone ba ba tshabelelwang ke go ya thari kwa kokelong go itlhatlhoba le gone go ikwadisetsa boimana ka jaana ba ntsha mabaka a gore bahiri ba bone ba palelwa ke go ba golola nakwana gore ba ye kokelong. A re mokgwa wa go ya go itlhatlhobela mogare thari go baya matshelo a bone gammogo le a masea mo diphatseng jalo o rotloetsa gore ba ikwadise fela fa boimana bo simolola gore ba dirwe ditlhatlhobo tsotlhe tse di tlhokegang ka nako. O tsweletse a rotloetsa bahiri go netefatsa gore ba tsaya botsogo jwa bahiriwa ba bone ka tlhoafalo ka jaana botshelo bo le botlhokwa fela thata e bile motho a tshwanetse go netefatsa gore botsogo jwa gagwe bo mo seemong se se siameng. Rre Mmolotsi o tlhalositse fa ba netefatsa gore ba thusa bomme ba ba yang thari kwa kokelong gore sengwe le sengwe se tsamaye ka thelelo. education 4 Dikhwaere serodumo sa mmino wa Bakgatla E re ka Setswana se re 'maruping go a boelwa...' Baikopanyi Choirs Association (BCA) ba bone go tshwanela go tsosolosa serodumo sa mmino wa bakgatla wa dikhwaere kana dikopelo ka go dira moletlo wa Kgatleng Cultural Tourism Festival go simologa Labotlhano go tsena Tshipi. Moletlo o o tlaa bo o akaretsa dikgaisanyo magareng ga dikhwaere tsa kgaolo ya Kgatleng e le tsela nngwe ya go supa bokgoni jwa tsone le go batla go ngoka bajanala go tla go ithuta ka ngwao ya Sekgatla. Mopalamente wa Kgatleng Bophirima, Rre Gilbert Mangole a re moletlo oo o tshwanetse wa rolelwa hutshe ka o tsosolotsa ngwao e e setseng e supile fa e nyelela mo Botswana. Rre Mangole o kopile Bakgatla go tla ka bontsi kwa moletlong oo go rotloetsa maiteko le go ema nokeng ba mokgatlho wa Baikopanyi ka se se ka tsoga se ba fa bokamoso jo bo eletsegeng. O boletse fa e le keletso ya motsadi mongwe le mongwe gore bana ba gagwe ba itse ka ditso le ngwao ya bone mme go le botlhokwa go rotloetsa BCA ka e diragatsa dikeletso tsa lefatshe tsa go tshegetsa ngwao. Rre Mangole o gakolotse ba mokgatlho wa Baikopanyi go nna pelotelele mo go direng tsotlhe gore moletlo wa bone o atlege ka ba tsile go kopana le dikgwetlho le batho ba ba sa dumalaneng le bone, a tlatsa ka go re ene o dumalana le se ba se dirang e le mokgatlho. Modulasetilo wa Baikopanyi Choirs Association, Rre Bathusi Gouwe a re moletlo oo e tlaa bo e le tshimolodiso ya moletlo le mokgatlho wa bone o o ntseng o aparetswe ke dikgang mme ba tswa go rarabolola diphapang tsa bone e le mokgatlho. O boletse fa moletlo oo o tlaa bo o sa itebaganya fela le dikopelo mme a tlhalosa fa go tlaa bo go na le disupiwa ka go farologana gareng ga tsone e le makalana a a ikemetseng ka nosi, maphata a puso le dikompone ka go farologana. Rre Gouwe a re ba bone go tshwanela go dira moletlo oo ka ba lemogile fa lobebe lwa dikhwaere lo felelwa ke boleng mme ba leka ka bojotlhe go tsisa seriti le go sireletsa dikhwaere kgotsa dikopelo gore di seka tsa nyelela. O tlhalositse fa moletlo oo o tlaa tswela Botswana mosola mo go tsa bojanala le kabakanyo itsholelo ka ba tlaa bo ba na le ba dikgwebo tse dipotlana ba rekisa kwa moletlong e le tsela ya go ipapatsa le ba lephata la bojanala go rotloetsa se ba se dirang. Rre Gouwe o kopile Batswana ka kakaretso go tla go ba ema nokeng le go tla go kgatlhisa matlho kwa moletlong ka bokgeleke jwa dikhwaere tsa Sekgatla jo bo tlaa bong bo supiwa ke bana ba Batswana. Leloko la Baikopanyi, Mme Mmadiasha Mogomotsi a re o itemogetse fa dikhwaere tsa malatsi ano di sena seriti le tlotlo ka di opela ka khwaere e nngwe mo go felelang go tsisa tlhoko kutlwisisano magareng ga ditlhopha. Mme Mogomotsi a re dikhwaere bogologolo di ne di tlhamelwa go thusa mo masimong le tse dingwe mme phadisanyo tsa tsone di sa tshwane le tsa segompieno ka gore bogologolo ba ne ba ituela ka phala ya setlhopha se se sa fenyang. A re o lemogile fa nnotagi e le yone e dirang gore kopelo ya dikhwaere tsa segompieno e felelwe ke boleng ka gore e dira gore batho ba supe maitseo a a makgwakgwa mme ba felele ba tsosa dintwa. Mme Mogomotsi o rotloeditse bana ba Bakgatla go supa boitshwaro jo bo lolameng le go tlotla batsadi ka kakaretso gore ba tle ba atlege mo go tse ba di dirang. O kopile le ditlhopha go tlotlana le go tshegetsana ka di isa serodumo le seriti sa Sekgatla kwa godimo. O lebogile ba mokgatlho wa baikopanyi go bo ba dirile moletlo oo ka o tlaa tsosolotsa ngwao le mmino o a o ratang thata le seriti sa one gore ba bangwe le bone ba tle ba nne le kgatlhego mo go one. Dingwe tsa ditlhopha tse di tlaa bong di natefisa kwa moletlong oo ke Matlapa a Leloto, Bakgatlhegi, True Fighters, Mopipi wa Majanko, Italy, Bana ba motho, Kgwarape, Tloutsoga, Badiragatsi le Jumpa ma Fence. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Makhanselara a tlhalosediwa ka kgokelo metsi Mogolwane wa koporase ya metsi, Water Utilities Corporation (WUC), Rre Innocent Leonard o tlhaloseditse makhanselara ka mananeo a kgokelo ya metsi kwa Boteti Bokone, Boteti Legare le Boteti Borwa, ga mmogo le tokafatso ya maranyane a metsi mo Letlhakane. Mogolwane wa WUC o tlhalositse jalo kwa tshimolodisong ya khuduthamaga ya bobedi ya khansele potlana ya Boteti bosheng. Rre Leonard o ne a supa fa lenaneo la Boteti Bokone, le le akaretsang metse e supa le go agiwa ga mafelo a phepafatso metsi a le mabedi kwa Motopi le le lengwe kwa Phuduhudu, le simolotswe. O ne a tlatsa ka gore mafelo a a tlhatswang metsi a Motopi ke one a tlaa bong a isa metsi kwa metseng eo yotlhe. O tsweletse a re mafelo a a tlhatswang metsi a magologolo a Moreomaoto Makalamabedi a tlaa baakangwa. Rre Leonard o ne a tlhalosa fa la Moreomaoto lone le tlaa godisiwa, mme tanka e kgologolo e e beelang metsi e emisediwe ka e kgolwane. O sedimoseditse khuduthamaga gore mafelo a a beelang metsi a Mareomaoto le Makalamabedi a weditswe e bile a le mo tirisong fa a Motopi a sa ntse a dirwa. O tlhalositse fa lenaneo le le solofetswe go wediwa kgwedi ya Hirikgong e fela ka ngwaga wa 2016. Rre Leonard o boletse fa mananeo a Boteti Legare le Boteti Borwa a saletse kwa morago ka ngwaga. O tladitse ka go tlhalosa fa la borwa le akaretsa metse e ferabobedi mme ba emetse madi go le simolola. O itsisitse makhanselara fa lenaneo la go atolosa maranyane mo Letlhakane le filwe madi mo lenaneong la ditlhabololo la setshaba. Mogolwane yo mongwe wa WUC, Mme Tebogo Matswelenyane, o ne a supa fa ditlhwatlhwa tsa metsi di okeditswe. A re seelo sa metsi ke P20 fa madi a go gokela metsi fa motho a ikepela mosele e le P1 500. A re fa go epa WUC tefo ke P2 000 dimmithara di le masome a matlhano (50m) go ya ko tlase. A re fa di feta 50m, go duelwa P27 mmithara mongwe le mongwe. Mme Matswelenyane o ne gape a tlhalosa fa ditshipi tse di rekang metsi di fiwa batho ba ba senang dipompo mo malwapeng a tlatsa ka gore motho o direlwa ya ntlha mahala mme fa e latlhegile kgotsa e senyegile, o lopiwa madi go e emisetsa. O bile a supa gore ba dirisana le dibanka le poso gore setshaba se kgone go duela metsi bonolo. O tladitse ka gore WUC e simolodisitse lenaneo la go romela molaetsa wa dikoloto ka megala ya letheka, ka jalo a re ba rotloetsa batho go tla kwa go bone go baakanya dinomoro tsa bone tsa poso le megala. Makhanselara a supile fa a batla go bontshiwa mananeo a a dirwang mo kgaolong gore ba tle ba tlhalosetse banni ba dikgaolo tsa bone sentle. Ba ne gape ba re nako e tsile ya gore koporase ya metsi ya WUC e simolodise lenaneo la go reka metsi ka dikarata. BOKHUTLO society 9 Noka e gapile botshelo lick to see more pictures Monna mongwe o tlhokafetse morago ga go tsewa ke noka ya Metsimasweu kwa Serowe maabane(Hirikgong 3) . Mookamela mapodisi a kgaolo ya No 2 District, Senior Superintendent Agreement Mapeu , o boletse mo potsolotsong fa rre yoo, a ne a leka go tlola noka, mme a tsewa ke metsi aa neng a elela ka bokete. A re le ntswa bangwe ba ba neng ba le gaufi ba lekile go kgalema, rre yo o ne a tswelela fela ka go lekeletsa boteng jwa metsi. Rre Mapeu a re ka thuso ya banni ba Ramakolo, mapodisi a ne a batla rre yoo mme ba mmone a setse a tlhokafetse. Rre Mapeu o ne a gakolola batho gore ba seka ba tlola melapo kana dinoka ka nako ya pula ka se, se le borai thata. O ne gape a gakolola gore batsadi le bone ba tlhokomele bana ka nako ya pula. Rre Mapeu a re mo go tse dingwe ba ne ba itsisiwe ka malwapa a ka nna matlhano a a amilweng ke metsi mme ditiragalo tsa teng di se maswemaswe.. Pula e, e ne ya baka tshenyo bogolo jang mo ditseleng tse di dirilweng ka ditena. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Ditlhwatlhwa tsa dikoko di kwa tlase Ditlhwatlhwa tse di kwa tlase tse dikoko tsa Setswana di rekwang ka tsone le madi a baagi ba dihoko tsa tsone ba a duelwang, di kgoreletsa lenaneo la nyeletso lehuma. Ke gone ka moo maphata a ofisi ya ga Tautona le bodirela puso le la temo-thuo a kopilweng go sekaseka ditllhwatlhwa tsa dikoko tsa Setswana. Mogolwane mo ofising ya ga molaodi mo kgaolong ya Borwa Botlhaba, a lebagane le ditlhabololo, Mme Gosego Jotia o boletse jalo fa a ne a ntsha pego ya ditlhabololo tsa kgaolo kwa phuthegong ya khansele ya Borwa Botlhaba kwa Ramotswa bosheng. O boletse gore go diragadiwa ga thulaganyo ya go reka dikoko tsa Setswana ka lenaneo la Ipelegeng go kwa tlase ka gore batho ba ba nang le tsone ga ba batle go rekisetsa lenaneo leo dikoko tsa bone ka madi a a kwa tlase. Ka ntlha e nngwe gape, baagi le bone ga ba na kgatlhego ya go aga dihoko tsa dikoko ka madi a mannye. Jaanong komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo e dumela gore tlhwatlhwa ya gompieno ya P55 koko e namagadi le P65 e tonanyana di okediwe go nna P100 koko e namagadi le P150 koko ya poo, fa dituelo tsa moagi wa hoko tsone di tshwanelwa ke go fuduga mo go P800, go nna P1500. Mme Jotia a re fa esale lenaneo la nyeletso lehuma le simologa mo kgaolong eo, batho ba ba 2 795 ba ba lebaneng go ka thusiwa ka lenaneo leo ba ne ba amogela dithuto mme ba le 1 841 ba setse ba kanokilwe mme ga fitlhelwa ba le 1 619 e le bone fela ba tota ba tshwanetseng go ka thusiwa ka nyeletso lehuma. O boletse gore batho ba le 743 ba bone dithuso tsa madi go simolola dikgwebo mme ba lebanwe ke dikgwetlho tse di jaaka go tlhoka go tlhoafalela ditiro ga batho ba ba thusitsweng, go tlhoka kwa ba ka rekisang teng, go tlhoka go nna le boitemogelo jwa madirelo a ba thusitsweng ka one le tlhaelo ya dikoko tsa Setswana. Mme Jotia o boletse gore kgaolo e tsweletse ka go ema nokeng ba ba amogetseng dithuso le gone go laela maphata a puso go ba fa ditiro. Batho ba ba amogetseng dithuso bao gape ba neelwa dithuto tsa tsamaiso kgwebo le go tshwara dibuka tsa kgwebo le gone go ba etela kgapetsakgapetsa tota. Mabapi le go naya bomme dithatsa tsa itsholelo, o boletse gore ditiro di le 28 di ne tsa fiwa madi mo kgaolong. A re ditiro di le 19 di tsweletse di dira sentle, fa tse dingwe tse pedi di santse di diragadiwa a bo a tlatsa ka go re ditiro tseo di tlhametse batho ba le 66 mebereko. Mo go tsa temo-thuo, o boletse gore kgaolo e ne ya amogela dipula tse di kwa tlase gape di netse moragong mme seo sa ama balemi-barui. Ka jalo o ne a re kgaolo e solofela maduo a a kwa tlase a temo-thuo ngwaga ono. Modiri yoo wa ditlhabololo tsa kgaolo o boletse gape gore tlhaelo ya dikotla mo kgaolong e mo seelong sa lefatshe leno sa boraro mo lekgolong, a tlatsa ka go re maiteko a a teng a tlaa tsweledisiwa go tokafatsa seemo sa dikotla mo kgaolong. Le fa go ntse jalo, a re ga a a itumedisiwa ke gore go nnile le tlhaelo ya dijo tse di tshwanang le tsabana, malutu le mafura mo setlheng seno sa ngwaga.BOKHUTLO society 9 Ba ba jang ditagi ba tlaa di gama ba sa di tlhapela Melao yotlhe e e amang ditagi mo lefatsheng leno e tsile go baakanngwa gore botlhe ba ba gwebang ka tsone le go di dirisa botlhaswa ba di game ba sa ditlhapela. Mafoko a, a builwe ke Mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefe kwa thuto puisanyong ya letsatsi, e e neng e rulagantswe ke ba kereke ya Mahalapye Sabata mo kgotleng kgolo ya Mahalapye bosheng. Thuto puisanyo eo e ne e tibagantse le tiriso botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi mo Mahalapye le mo lefatsheng ka kakaretso. Rre Molefe o ne a tlhalosa gore e le baeteledipele, ba lemoga gore batho ka bontsi ba inaakantse le tiriso le thekiso ya diritibatsi, bogolo thata motokwane. A re lefatshe leno le setse le sena boleng fa go lebilwe gore mafelo ka bontsi ke boremelelo jwa thekiso le tiriso ya ditagi tse di seng ka fa molaong. A re ka jalo molao o tsile go dirwa go leka go busetsa lefatshe kwa le simologileng le ntse ka teng. O ne a tlhalosa fa selo se, se setse se digile leina la lefatshe leno, mme a leboga botlhe ba ba emeng ka dinao go lwantsha ditiro tseo. Rre Molefe o ne a kopa banni gore fa molao o simolodisiwa, ba eme baeteledipele nokeng go bona gore molao o a diragadiwa, e bile ba ba dirang jalo ba gagamalediwa dikotlhao. O ne a leboga go menagane ba kereke ya Sabata go bo ba gatetse pele, ba itebagantse le botsogo jwa motho gammogo le go gasa lefoko la Modimo. O ne a tlhalosa gore kereke e, e sale e tsile mo Botswana bogologolo, mme e itebagantse le botsogo le Baebele, selo se e rileng ka ngwaga wa 1920, ba aga sepatela sa Kanye. A re fa e sale ka dingwaga tseo, kereke e ne ya gola mo lefatsheng, e rotloetsa botsogo jo bo siameng mo setshabeng. O ne a tlhalosa gore se gape se supiwa ke ka fa ba boloditseng letsholo go ruta banni ba Mahalapye ka tiriso botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi, selo se lefatshe ka bophara le emeng ka dinao go se lemotsha batho fa se sa siama. O ne a ba kopa gape go rutuntsha le go amogela ba ba batlang go tswa mo dilong tse di maswe tse ka go ba rotloetsa le go ba amogela go bona lesedi. Rre Molefe a re kereke e, e kgothatsa batho go tshela botshelo jo bo phepa ba sa dirise nnotagi le diritibatsi gammogo le lenaneo la ba ba batlang go tlogela dilo tse. O ne a kgothatsa setshaba go utlwa molaetsa le go inaakanya le ba kereke e go leka go tshela botshelo jo bo phepa. E rile a tswa la gagwe, Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye a kopa batsadi go ema ka dinao go kgalemela bana le go nna sekao mo go bone. Kgosi Segotsi o ne a kopa batsadi go itshekatsheka gore gare go tseneng fa bana ba tlhakaladitse ka tiriso botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi mo go kanakana, e bile dilo di dule mo taolong. A re bana ga ba utlwe batsadi, e bile batsadi ba setse ba ba tshaba, ka jalo a gakolola gore ‘lore le ojwa lo sa le metsi’. O ne a tlhalosa gore batsadi ka bontsi ba neneketsa bana, ba palelwa ke go ba betsa, mme ba roletse dikgosi le mapodisi gore e nne bone ba ba ka otlhayang bana. Kgosi Segotsi a re nako e tsile jaanong ya gore ba pataganele go kgalema bana ba ba busetse mo tseleng. A re dikgotla tsa ditsheko di tletse ditsheko tsa diritibatsi ntswa botsadi bo le teng, bo ka bo bo kgalema. O ne akgola thata makgotla le dikereke tse di emeng ka dinao go lwantsha nnotagi le diritibatsi. Moeteledipele wa tsa botsogo wa kereke eo, Mme Keletso Baoketsi o ne a tlhalosa fa maikaelelo a dithuto puisanyo tseo e ne e le go ruta le go tsibosa setshaba ka tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi. Mme Baoketsi a re moono e ne e le go tsibosa setshaba ka bosula jwa diritibatsi, le go otlolola letsogo mo go ba ba setseng ba amilwe ke ditiro tse di maswe tse, go bona gore ba ikaga sesha le go ka bona dithuso tse di lolameng go tshela sentle. BOKHUTLO society 9 Badiri ba tshwanetse go goga ka mowa o le mongwefela Molaodi wa Kgalagadi, Rre Rapetse Mathumo o kgothaditse badiri ba ba okametsweng ke ofisi ya gagwe mo lephateng la merero ya ofisi ya ga tautona, tsamaiso puso le bodiredi go bereka ka natla ba le seopo sengwe ka nako tsotlhe go ntsha maduo a a kgotsofatsang setshaba se ba se direlang. Molaodi o buile jaana bosheng mo bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke ofisi ya gagwe jo bo neng bo kokoantse maphata a a okametsweng ke ofisi ya gagwe a akaretsa badiri ba ofisi ya ga molaodi, maphata a dikitsiso le kgaso le ba dikatso tsa bagodi. Rre Mathumo o boletse fa mongwe le mongwe a tshwanetse go dira tiro ya gagwe ka lorato, matsetseleko ka e le ene a itseng go e dira botoka mme kwa bofelong ba tshwanelwa ke go kgotsofatsa setshaba, a kaya fa gape ditiro tsa bone di le botlhokwa mo tokafatsong ya matshelo a batho. Mo mafokong a gagwe a kgothatso, o ne a gakolola badiri gore ba tshwanetse go itirela botshelo jo bo eletsegang fa ba santse ba le mo tirong bogolo jang go itirela bonno jo bo siameng ka e le jone bo tsholetsang le go fa motho seriti. O ne a ba gakolola gape gore ba tshwanetse go bereka mmogo ba tshwaragane, a kaya fa kgetse ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa le gone go emana nokeng mo matshelong a tsatsi le letsatsi ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo tirong di akaretsa letlhoko la boroko, go tlhoka go tsholediwa maemo, go bereka lobaka lo loleele golo go le gongwe le tse dingwe. Molaodi Mathumo o ne a gakolola baeteledipele mo maphateng a a farologanyeng go kaela babereki ba bangwe tsela ya nnete ka go ba gakolola mo tirong ka seo se thusa mo go ntsheng maduo a a itumedisang setshaba le gone go itshwara ka boitshwaro jo bo eletsegang. O ne a gatelela gore ba tshwanetse go tshwara bokopano le badiri ba ba ba eteletseng pele kgapetsakgapetsa ka seo se ka thusa mo go kgalemeleng le go tswa ka ditharabololo tsa dikgang di ka tlhagang mo tirong. Fa ba ntsha matshweneyego a bone, mongwe wa batsena bokopano joo, Rre Lucky Mphafe go tswa mo lephateng la kgaso o ne a ngongorega ka letlhoko la boroko ka ba bereka ba sa wela dibete a re fa e sale a romelwa ngwaga tse supa tse di fetileng mo Tsabong le mo nakong eno a ise a fiwe boroko mo matlong a puso. O ne a kgala mogopoplo wa go tlhakanela boroko, a kaya fa matlo mangwe a puso a le mannye mme a sa kgone go tsenya dithoto tsa bone tsotlhe O kaile fa ba felela ba hirisa matlo mo motseng, selo se a reng se a ba turela le gore a felela a baya matshelo a bone mo diphatseng ka a se mo seemong se se siameng. Rre Mphafe o ne a supa fa ba le ’bete se molangwana ka badiri ba ba sa tlhakaneleng boroko ntswa ba nna mo matlong a a tshwanentseng go bo a tlhakanelwa. Fa a ba kgwa dikgaba, molaodi Mathumo o ne a ba bolelela fa a dumela e bile a tlhaloganya fa go tlhakanela boroko go na le ditlamorago tse di sa siamang mme sebe sa phiri e le letlhoko la madi la go letla puso go aga matlo a a lekaneng a bodirela puso mo kgaolong eo. Mme Mmamokala Gouwe, mogolwane go tswa mo ofising ya nyeletso lehuma o ne a lebogela phuthego eo, a supa fa mafoko a ga molaodi a kgothatso a tlaa tiisa moko badiri go tswelela ba dira tiro ya bone ba tsentse marapo mo nameng e bile ba tshwaraganye go dira tiro ya puso ka monontlhotlho. BOKHUTLO politics 7 Moagele o santse a ikaegile ka FAP Batswana ba tsweletse pele ka go tokofatsa matshelo le go leka go nyeletsa lehuma le ba tshelelang mo go lone ka go itirela ka diatla. Mme Hellen Moagele o supile fa a sa ntse a ikgaratlhela ka dithuso tse a di filweng ke ba FAP. Mme Moagele o tswa kwa Makopong mo kgaolong ya Kgalagadi. O supile fa a ne a ya sekolong sa go loga kwa Mochudi Homecraft Center ka ngwaga wa 1982 a ya go ithutela tiro ya diatla teng. A re se se mo gwetlhileng gore a tsene sekole se, ke gore o ne a lemogile fa a na le bokgoni jo bontsi fela thata le kgatlhego ya go loga. O ne a batla go ikoketsa gore a itse le go feta. O boletse fa ka ngwaga wa 1988 a ne a thapiwa e le morotloetsi gone kwa Mochudi Home Craft Center, a ruta baithuti go loga. O ne a simolola kgwebo ya gagwe a rekisa tse a di logang mme a direla batho ba ba ikopelang fela, a sa logele go rekisa. E ne ya re fa nako e ntse e tsamaya a tlogela tiro mme a simolola kgwebo ya gagwe ya go rekisetsa setshaba jaanong. O tlhalosa fa a ne a tlogela ka go loga mme a itebaganya fela le go roka ka o ne a sena madi a go reka matshine yo o logang. O boletse fa kgwebo e simologile sentle ngwaga tse thataro tse di fetileng. A re o ne a simolola kgwebo ya gagwe ka madi a neng a ipeela kgwedi le kgwedi fa a sena go amogela. Mme e ne ya re nako e ntse e tsamaya a fiwa madi a Financial African Policy a a neng a tswa kwa lephateng la temo-thuo go re ba itheekele didirisiwa tse ba di tlhokang go tsosolosa dikgwebo tsa bone. Mme Moagele a re mo bogompienong o rekisa mesangwana ya ditilo, dibeke, lebokoso la manyena le mekgabisa e mengwe ya mmele le tse dingwe fela ka go farologana. O supile fa a na le dikgwetlho tsa go tlhoka go rekelwa sentle le gore didirisiwa tse ba di dirisang ba di latela kgakala. A re se ke sone gape se se ba thatafaletsang go tswelela le kgwebo e, ka nako tse dingwe ba kgona go nna fela ba sena didirisiwa. O tlhalositse fa a thusiwa ke ba lephata la ditlhabololo tsa selegae le le tlwaelegileng ka go bitswa S & CD. Mme Moagele a re kgwedi le kgwedi ba lephata le, ba ba thusa ka go ba tsenya mo setshabeng, se e le go ngoka bareki ka go farologana gore ba kgone go rekelwa. A re o rotloetsa Batswana gore ba simolole go itshetsa ka diatla go tokafatsa matshelo a bone. O tlhalositse fa go itirela go na le dipoelo tse di dintsi fela thata segolo jang fa o dira ka lerato, bopelotelele, le fa o dira tiro e e nang le boleng economy_business_and_finance 3 Banana itshekatshekeng - Kgosi Kgosi Opelo Ntshwarelang wa motse wa Mosetse mo kgaolong potlana ya Tutume a re go botlhokwa gore e re jaaka ngwaga o simolola jaana banana ba itshekatsheke gore ba kgone go tsaya ditshwetso tse di maleba tse ba tla di salang morago. O buile jalo mo potsolotsong le BOPA, a supa fa bontsi jwa banana ba lebanwe ke kgwetlho ya go inaakanya le ditiro tse di duleng mo tseleng gareng ga tse dingwe di akaretsa tiriso ya dinotagi, boimana jwa banana ba dingwaga tse di kwa tlase gammogo le go tlhoka go dira sentle mo dithutong. A re mangwe mabaka a a tlhotlheletsang dikgang tse ke gore banana bangwe ga ba iphe nako ya go itshekatsheka go bona gore ba ka sala tsela efe morago. O supile fa bangwe ba tsietsega ka ba retelelwa ke go ipatlela tsela e ba ka e salang morago go itirela isago e e kgatlhisang. Kgosi Ntshwarelang a re go botlhokwa gore banana ba tseye ditshwetso tse di maleba gore ba seka ba iphitlhela ba wetse ka lemena. O ba rotloeditse go dirisa mananeo a ba a beilweng pele ke pus mme a gatelela thata mo go a a rotloetsang go tlhabolola dithuto. A re mananeo a akaretsa la Back-to-school le BOCODOL a tlhametswe go thusa banana ba ba reteletsweng ke go fetela kwa pele gore ba itsose le bone ba goroge kwa ditorong tsa bone. Kgosi Ntshwarelang o gakolotse gore go tlhoka go dira sentle mo sekolong ga se phelelo e bile ga se gore motho o tshwanetse go inaakanya le maitsholo a a sa amogelesegeng. A re banni ba motse oo ba ne ba ile dikhwaereng fa bangwe ba ne ba itiretse maitiso mo malwapeng a bone mme e bile a supa fa barekisi ba bojalwa le bone ba ne ba obamela dinako tsa thekiso. Kgosi a re sengwe gape se se mo itumedisitseng ke dikgaisano tsa kgwele ya dinao tse di neng di tshwerwe mo dikgotleng tsotlhe tsa motse ka go farologana ka di ne di kopanya banni ba motse. O supile fa a kgatlhilwe ke go bona bontsi jwa banana ba ne ba tsaya karolo mo dikgaisanong tseo mme a supa fa seo se ba rotloeditse go ikgapha mo ditirong tsa botlhoka tsebe. BOKHUTLO education 4 Kgosi Kedikilwe o rotloetsa poifo Modimo Go rera lefoko la Modimo go rotloetsa kagisano le go tsisa masego le matlhogonolo mo matshelong a batho. Kgosi Ketlhapie Kedikilwe wa kgotla ya Maokatumo yo gape e leng modumedi fa a bua mo potsolosong a re go tshela ka kagisano mo malapeng go botlhokwa fela thata. A re dikgosi tsa dikgotla tsa Setswana gantsi ba tshereganya batho, a tlatsa ka go re go agisanya batho go tlhokana le lefoko la Modimo. Kgosi Kedikilwe o tlhalositse fa go baya Modimo kwa pele fa motho e le moeteledipele go le botlhokwa ka go rotloetsa go tsaya batho ka tekatekanyo le go tsaya ditshwetso tse di amogelesegang mo setshabeng. Mo go tse di tshwenyang, kgosi a re go na le bangwe ba ba alafelang balwetse ba bone mo melapong, a tlatsa ka go re go le gantsi go nna go tlogetswe masalela a dikerese le meteme tse di ka felelang di kgotlela tikologo le go baya botsogo jwa batho le diphologolo mo diphatseng. Fa a tswa la gagwe Bishop Matenje wa kereke ya St John Apostolic Faith Mission of Botswana a re bogogi jwa metse bo tshwanetse jwa tshwaragana le baruti le dikereke go agela setshaba ka fa tlase ga lefoko la Modimo gore ba itse se ba leng sone mo botshelong. Moruti o rotloeditse dikgosi go ikakatlela thata ka lefoko la Modimo fa ba eteletse setshaba ka go ka ba fa seriti le tlotlo ga mmogo le go tsaya ditshwetso sentle. “Go agela morafe ka fa tlase ga lefoko la Modimo go rotloetsa boitshwaro jo bo siameng ka gore sekeresete se a aga,” Moruti a tswaela. Kgosi Gothatamang Kedikiwe wa Diloro o lebogetse kereke ya kereke go baeteledipele fa pele ga Modimo go ba kopela masego le matlhogonolo. O kopile dikereke go dira jaaka kereke ya St John go tswelela ba rapelela metse le lefatshe leno ka bophara gore le robalelwe ke ditlhokwa, go nne le tshwaragano, morero, neelano le tirisano. religion_and_belief 8 Marekisetso a kokoanya madi go thusa Tshegofatso Tshegofatso Ndlovu, yo o nang le ngwaga, ke mosetsanyana yoo tshelang ka bolwetse jwa go gola ga tlhogo mo go sa twaelesegang (Hydrocephalus). E ne ya re ka kgwedi ya Hirikgong mabenkele a Eureka,Trident,Welcome Cash and Carry,DailyNeeds le Pick&Pay ba kopana go thusa gore Tshegofatso a ye go dira learo, mme ba ne ba dira jalo ka go apaya dijo ba di rekisa, maitiso a bo mmabontle le kgwele ya dinao. Madi a a tlhokegang go dira learo la ga Tshegofatso ke P45 000 mme go setse go kokoantswe selekanyo sa P32 000. E rile a eme badiri ba mabentlele ao ka lefoko, mothusa ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Molefhi Pilane a re o leboga go bona ba kgathala ka botsogo jwa batho ba ba mo tikologong e ba nnang mo go yone le go bona gore botshelo jwa ga Tshegofatso bo a somarelwa. Mothusa ratoropo o kgotlhaditse badiri ba madirelo a Pick&Pay,Dailyneeds,Eureka,Welcome Cash &Carryle Trident go bula letlole le mo go lone ba ka nnang ba thusa ba ba tlhokang ka go ka ba tlhofofaletsa tiro. O ne gape a bolela gore khansele ya Selebi Phikwe e itlamile go bereka ka thata le go ema nokeng botlhe ba ba tlhokang thuso. O ne a tlhalosa gore ofisi ya ga ratoropo e butswe ka nako tsotlhe go thusa botlhe ba batlhokang dithuso. health 6 Go ikgatholosa go bala ke go ikepela lemena Go ikgatholosa go bala mo go atileng mo Batswaneng go digetse batho ba le bantsi ka lemena. Go tlhalositse jalo Mme Motshidisi Makhurutha, morulaganyi wa mokgatlho wa Botswana Society for the Arts, mo dithutong puisanong tse di neng di tshwaretswe kwa ntlong ya ditso kwa Maun bosheng. A re se se ngomolang pelo le go feta, ke gore gantsi ditaelo kgotsa ditlamorago tsa ditumalano, di a bo di papametse mo mokwalong mme motho ene ka boitseme, a saenele ditumalano tseo kwa ntle ga go ipha sebaka sa go bala le go tlhaloganya. A re mo dikgannyeng tsa mofuta oo, batho bangwe ba felela ba jelwe ntsoma ka ntata ya go sa saleng morago ditumalano. A re go dira jalo ke go ithekisa ka motho a ka tlhoka kwa a ka lelelang teng fa go le maswe ka o a bo a setse a itlhabile ka thipa mpeng. O tsweletse a tlhalosa fa go atile mokgwa o mongwe o le one a tlhalositseng fa o le diphatsa mo matshelong a batho ka bontsi. A re ka metlha mengwe,cditumalano di dirwa ke bobedi kwa ntle ga mokwalo ope kgotsa sesupo sepe sa gore go dumalanwe kae, leng, jang le gone fa go reng. Mme Makhurutha o tlhalositse fa mo dikgannyeng tsa mofuta oo, go felela go nna le dikgotlhang fa mongwe a tlhanogela ditumalano. O gakolotse setshaba go ikanya mokwalo go itsa diemo tse di atileng tsa bo nkgata ke tlhaname. Le fa go ntse jalo, Mme Makhurutha o tlhalositse fa maiteko a bone ba a tshwaraganetse le European Union. A re maiteko a, a runtse morago ga gore ba tlhotlhome le lefatshe go lekola badiragatsi. A re dipatlisiso tsa bone di ile tsa ba lemotsha fa go tlhaela go le gontsi mo badiragatsing ba lefatshe leno go tokafatsa seemo sa bone. “Maikaelelo a rona ke go ba gakolola le go tlhatlhelela badiragatsi gammogo le go ba buelela mo dikgannyeng tsa bone.” A re gape ba tlhatlhelela badiragatsi ka mokgwa o o faphegileng o akaretsa go baya mekwalo yotlhe ya tiro, go boloka madi, go dirisanya le bareki gammogo le gone go ithuta go ipheleletsa go dira dilo tsa tlhwatlhwa tse di ka kgatlhisang leitlho. O tladitse gape gore go somarela nako le gone ke konokono mo go ntsheng maduo a se modiragatsi a se dirang. Le fa go ntse jalo, badiragatsi le bone ba ne ba phophoma ka boitumelo ba tlhalosa fa ba lebogela dithuto tseo. Modiragatsi wa poko yo le ene a neng a tshologetse pitso, Mme Precious Molatedi yo o tumileng thata ka go bitswa QuinDiva, o galaleditse dithuto tse a di akotseng. A re dithuto sekadipuisano tseo di ba fatlholotse fela thata ka ba ne ba sa tlhaloganye dilo ka bontsi. A re e le mmoki, o ne a sa itse fa a na le tshwanelo ya go tseela motho dikgato fa a dirisa tiro ya gagwe ka bofafalele kwa ntle ga tetla ya gagwe. A re jaanong e le modiragatsi, o a itshepa fela e bile a tlhalosa fa a tlaa tiisa poko ya gagwe ka go dirisa dithuto tse a di bapetseng mo dithutong tseo. education 4 Kereke e tsaya karolo go lwantsa bolwetse jwa AIDS Ba kereke ya Ebenezer Christian Church of Zion bosheng ba ne ba kokoana kwa diofising tsa lephata la dipasa, mesepele le boagedi mo Bobonong go tshwara merapelo e maikaelelo a yone e leng go rapelela bolwetse jwa AIDS. Fa a bua kwa merapelong, Arch Bishop Ookeditse Setlhantsweng o tlhalositse fa lefatshe la Botswana le seegetse kgwedi ya Lwetse go rapelela bolwetse jwa AIDS. O tsweletse a tlhalosa fa Tautona a kopile dikereke ka go farologana go ema ka dinao go rapelela bolwetse joo. O supile fa mmele wa motho e le tempele ya Modimo fa moya o o boitshepo o nnang teng ka jalo a rotloetsa batho go somarela gammogo le go tlhokomela mebele ya bone. Rre Setlhantsweng o kaile fa lekwalo la Bakorintha wa ntlha kgaolo ya boraro temana ya lesome le boferabongwe le re “fa re tshela re tshelela Modimo, boifa leina le le galalelang ebong Jehovah”. A re fa motho a sa tlhokomele ditsela tsa Morena Modimo o tlaa welwa ke dipetso tse di gakgamatsang tsa Egepeto ebong malwetse. Rre Setlhantsweng a re le ntswa palo ya batho e le ntsi jaaka dinaledi fa go sa tlhokomelwe ditsela tsa Morena Modimo batho ba ka fokodiwa ka go senngwa. A re fa batho ba reetsa ditaelo tsa ga Jehovah ba tlaa ja molemo wa mahumo a lefatshe Fa a latlhela la gagwe motshwarelela mogolwane mo lephateng la dipasa, mesepele le boagedi Mme Elizabeth Gabana a re fa efangedi e tsene mo pelong ya motho e a aga e bo e tswelele e ungwe. Mme Gabana o gwetlhile setshaba go batla tsela ya Modimo fa e santse e ka bonwa. religion_and_belief 8 Bana ba abelwa tsa mariga Kgosi Neo Letlhare wa Lejwana o akgotse mogokaganya ditiro tsa ofisi ya ba-na-le bogole kwa Ofising ya ga Tautona, Rre Thomas Motingwa, go bo a abetse sekole se sebotlana sa Lejwana diaparo tsa sekole tsa mariga. E rile a amogela dilwana tse bosheng, Kgosi Letlhare a tlhalosa fa Rre Motingwa a dirile tiro gonne makgwe le dijesi tseo di tsile mariga. O supile fa bana ba le masome a mabedi le bobedi ba tlaa akola diaparo tseo mme selo se se tlaa ba thusang go dira sentle mo dithutong. Kgosi o ne a tlatsa ka go re Modimo o tlaa segofatsa Rre Motingwa ka seo, mme a mo kgothatsa gore a tswelele a dira tiro e ntle e. Fa a amogela dimpho, morutabana wa sekole seo, Mme Annah Kabalanyane o ne a tlhalosa fa ba itumeletse go bo bana ba bone ba bannye ba tlhokometswe thata ke Rre Motingwa. O kaile gore mo nakong e ya bolwetse jwa corona go botlhokwa go apara bothito, ka jalo o itumelela gore se se tlaa thusa bana gore ba seka ba tsenwa ke mogare o, o o kekelang fa go le tsididi. Mme Kabalanyane o kopile botsadi gore ba tlhokomele dimpho tse thata gore bana ba gole ba ntse ba di dirisa. Mokhanselara wa Lejwana Rre Beach Mooketsane o lebogile Rre Motingwa go menaganye go bo a bone go le botlhokwa go gopola bana ba sekole mo nakong e e thata ya mogare wa corona. O kaile fa se se dirilweng ke Rre Motingwa e le thuto mo ng le mongwe. Ka jalo a ne a gwetlhega le ene a itlama go rekela bana dithiba melomo le dinko. Rre Mooketsane o supile gape gore o solofela fa se se tlaa kgotlhatsa bana gore ba dire sentle mo dithutong. O kopile banni ba Lejwana go ititaya ka thupana a ba kgothatsa gore le bone ba nne le mowa wa lerato wa go aba. A re go botlhokwa gore motse o tume ka dilo tse dintle. A re seo se ka diragala fela ka seabe sa bone, jaaka go thusa ba ba kobo di khutswane. society 9 Tsayang dithuto ka tlhwaafalo - Makgalemele Banni ba Dibete ba kgothaditswe go tsaya dithuto tsa lenaneo le le rudisang itsholelo la Economic Stimulus Programme (ESP) ka tlhwaafalo. Mafoko a, a builwe ke mothusa tona wa lephata la merero ya ga Tautona le bodirelapuso, Rre Dikgang Makgalemele, kwa thuto puisanong ka lenaneo la ESP le go tlhama ditiro kwa Dibete ka mafelo a beke. Rre Makgalemele a re batsaya karolo mo dithutong tse ba tshwanetse go di tsaya tsia, ba ikiteye ka thupana gore ba tle ba kgone go akola ESP. A re maikaelelo a puso ke go tlhabolola matshelo a batho ke ka moo e dirileng lenaneo le gore ka lone Batswana ba itlhamele ditiro ka go simolodisa dikgwebo tse ka tsone gape ba ka tlhabololang lefatshe gammogo le matshelo le metse ya bone. O kopile kgaolo ya Shoshong go itlama go tsaya dikgwebo ka tlhwaafalo mme ba busetse serodumo se kgaolo ya bone e neng e itsege ka sone. O ne a tlhalosa gore le ene o eletsa go bona go na le banana kgotsa banni mo metseng ya kgaolo ya gagwe ba tsweletse pele ka go simolola dikgwebo tse ka tsone ba ka kgonang go thapa ba bangwe go fokotsa lehuma mo kgaolong. Rre Makgalemele a re maikaelelo a thuto seka dipuisano e, ke go rotloetsa banni go simolola dikgwebo, go tsisa bagwebi mo kgaolong le go tlhabolola matshelo a batho ka go akola mananeo a puso e a dirang go leka go rudisa itsholelo. A re maikaelelo gape ke go tsisa bagwebi ba bagolwane, maphata a puso a a farologaneng go tla go rutuntsha le go rotloetsa banni go tsaya malebela le go kgothala go ka dira dikgwebo. O ne a tlhalosa gore motse wa Dibete ke mongwe wa metse e e ka ba solegelang molemo thata e le banni ba kgaolo ka o le mo tseleng ya A1 gape o le gaufi le seporo ka jalo ba ka dirisa se, go itlhabolola ka ba ka se sokole go rekisa dithoto tsa bone. O ne a ba kgothatsa go nna le leitlho le le nchocho, ditlhaloganyo tse di bulegileng gore ba ka dirang gore ba akole dilo tsotlhe ka e bile ba tlaa bo ba thusa le lefatshe go tsosolosa itsholelo ka kakaretso. Fa a tswa la gagwe, modiredi go tswa kwa lephateng la theko le thekiso la Local Authority Procument and Asset Disposal Mme Priscilla Wadipepa, o ne a tlhatlhelela batsaya karolo mo thuto puisanong eo ka fa dithendara di tsamaisiwang ka teng. Mme Wadipeba a re dikgwebo ka bontsi fa di batla go dirisiwa ke puso go dira ditiro ba tshwanetse go sala morago tsotlhe tse di tlhokafalang, ba tlatse difomo ka fa tshwanelong. A re fa ba sena go dira jalo go na le komiti e ka yone e sekasekang gore a baikopedi botlhe ba tsentse tse di tlhokafalang, a tlatsa ka gore ga go ope yo o kgonang go ganwa ke thendera a sa tsenya sepe se se neng se sa kopiwa kwa tshimologong. Mme Wadipeba o ne a ba kopa gore bone e bile ba le mo metseng e mebotlana ba tshwanetse go tsaya lenaneo le la ESP ka tlhwaafalo ka e bile le itebagantse thata le bagwebi ba ba botlana mme ka jalo ba ka se batliwe sepe se sentsi. O ne a ba rotloetsa go simolola dikgwebo gore ba tle ba akole lenaneo le gore ere le fela ka ngwaga wa 2019 ba bo ba le akotse ba le bantsi. A re ba berekela mo nakong, mme ba nne tlhaga go le dirisa ka e bile ba ka kgona gape le go inamola mo lehumeng. Mme Wadipeba o ne a tlhalosa gape gore fa bagwebi ba setse ba ikopetse ditirelo ba sekasekwa ka go tshwana mme le fa o sa kgona go tswa sentle o lemotshiwa diphoso tsa gago gore e re nako e e tlang o seka wa boelela diphoso tse mme le wena o akole nako nngwe. A re maikaelelo a puso ke gore mongwe le mongwe a itse diphoso tsa gagwe, a tlatsa ka gore kgwetlho e tona e ba kopanang le yone ke gore baikopedi ba le bantsi ga ba kwale diaterese sentle mme makwalo a bone a felela a boile kwa posong. Fa a bua ka lenaneo la ESP mogolwane go tswa kwa ofising e e itebagantseng thata le lenaneo le, Mme Maty Moatshe o ne a tlhalosa gore lenaneo le le bogadi bo gaufi go tsosolosa itsholelo ka jalo ba ikiteye ka thupana go ka itshimolela dikgwebo gore ba tle ba le akole. Mme Moatshe a re puso e lemogile gore temo-thuo, bojanala le madirelo ke tsone tse thata di ka tsisang maduo a a bonalang ka jalo puso e di beile kwa pele gore e nne tsone tse e ka kgonang go tsosolosa itsholelo ka tsone le go tlhabolola matshelo a batho. A re maphata ka go farologana le a e seng a puso tota a eme ka dinao go bona gore ba ka dirang gore itsholelo ya lefatshe leno e tokafale. O ne a ba rotloetsa go ema ka dinao go bona gore ba dirisa lenaneo le ka le na le dingwaga di le tharo fela. education 4 Kgosi ya Shakawe e rotloetsa tshwaragano Banni ba Shakawe mo kgaolong potlana ya Okavango ba dumalane ka bongwe fela jwa pelo go emisa go kgaogana ka dikgotlana fa go ketekwa moletlo wa boipuso go itsa kgaogano ya morafe mo motseng wa bone. Kgosi Kea Lempadi o boletse mo phuthegong ya kgotla ya go baakanyetsa moletlo wa boipuso bosheng gore thulaganyo e e ntseng e le teng ya go kgaoganya banni ka dikgotlana tsa bone ka nako ya fa go ketekwa meletlo ya boipuso e kgaoganya morafe go na le go o bopaganya. A re jaaka puso e dirile maiteko a go bopaganya merafe ya lefatshe leno go nna tshaba ele nngwe fela, go botlhokwa go sala morago thulaganyo eo go tsholetsa serodumo sa lefatshe leno. O tsweletse a re ga se gore o nyatsa dikgotlana tsa morafe ka di tlhomilwe ka maikaelelo a go letlanya morafe mo boemong jwa kgotla e tona, mme fela merero e tshwana le ya boipuso e tshwanelwa ke go tshwarelwa mo kgotleng e tona. Rre Keheletswe Samakena o tlhalositse fa thulaganyo ya pele ya go kgaoganya morafe ka dikgotlana tsa bone ka nako ya meletlo ya boipuso e ne e direlwa bangwe ba ba neng ba sa kgone go goroga kwa kgotleng e tona go akarediwa bagodi le balwetse. Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Lesedi Boy o gateletse botlhokwa jwa gore morafe o baakanyetse moletlo wa boipuso jwa monongwaga ka ele matlhagolela tsela a jwa masome a matlhano ka 2016. Rre Boy a re monongwaga, kgaolo ya bone e segofaditswe ka P294 400 go jesa palo ya batho ba le 58 880 ka letsatsi la boipuso, mme motse wa Shakawe o filwe P33 375 jalo a kopa banni ba kgaolo eo go tsaya tsia meletlo ya monongwaga gore e atlege. E re dikgang di eme jalo, modulasetilo wa komiti ya boipuso kwa Gumare, Rre Kebonyemotse Thapi o boletse fa dipaakanyo di tsweletse sentle. A re boipuso jwa ngwaga eno bo faphegile go tsamaelana le dithulaganyo tsa jone tse di tla a simololang kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome mabedi le borataro ka dikgaisano tsa mabelo a dipitse, a bagolo, mmino ya setso go akarediwa ya kharakhara, sevukiviki le mawayawaya go fitlhelela ka letsatsi la boipuso. O kopile banni ba motse wa Gumare go ipaakanyetsa moletlo oo ka a re monate o a itirelwa mme a tlhalosa fa metsana ya Eretsha, Kajaja, Mowana le Nxamasere le gone dipaakanyo di tsweletse sentle. Le fa gontse jalo, modulasetilo wa komiti e e rulaganyetsang dikgaisano tsa rabontle le mma bontle wa kgaolo ya Okavango, Mme Keneilwe Seidisa a re bomme ba le lesome le borre ba le batlhano ba ba tshotsweng ka 1966 ba ikwadiseditse go tla go tsenelela dikgaisanyo tseo. O boletse fa dipalo tseo di kwa tlase thata fa go lebilwe dipalo tsa banni ba kgaolo eo, mme a tlhalosa gore gongwe batho ba ba tshotsweng ka ngwaga oo ke bone ba seyong mo kgaolong. BOKHUTLO politics 7 Tshwaragano ga e yo kwa Matopi Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Motopi a re o tshwenngwa thata ke gore badirelapuso ga ba kgone go bereka ba tshwaraganye le boeteledipele jwa motse. Mme Baemedi Makgetho o buile jalo mo phuthegong ya kgotla ka Labotlhano e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Boteti Bokone Rre Slumber Tsogwane. Mme Makgetho are seemo seo se dirwa ke go phuthama ga komiti ya babereki ya Village Extension Team (VET). A re go tlhoka komiti ya VET go dira gore VDC e seka ya kgona go itse mathata a maphata le dikolo tse di mo motseng wa Motopi le gone go di begela boeteledipele jaaka mopalamente mo diphuthegong tsa kgotla. Mme Makgetho o tsweletse a supa gore dikomiti tse dingwe tse di motseng le tsone di tlhoka go rutuntshiwa fela jaaka ya VDC gore di kgone go dira tiro ya tsone ka botswerere. O tlhalositse gore dikomiti mo motseng jaaka ya balemi barui (farmers committee), ya botsogo le tse dingwe di tlhoka go rutuntshiwa gore di kgone go itebaganya le mathata a tshwenyang mo motseng le gone go nna ba ruta morafe. Modulasetilo wa VDC o ne a supa gape gore o tshwenngwa ke go bona ditiro dingwe di tsweletse mo motseng le fa maphata a romilwe go di dira a sa rerise komiti ya ditlhabololo. A re seemo seo se a tshwenya ka gore boikarabelo jwa go tlhokomela ditiro tsa go nna jalo bo sala le komiti ya VDC le Kgosi. A re nngwe ya ditiro tse di dirilweng ntle morero ke go agiwa ga matlo a batho ba ba neng ba senyeditswe bonno ke dipula ka gore a dirilwe a bo a wediwa ba sa rerisiwe ka jalo beng ba one ba setse ba tlisitse dingongorego kwa go bone. Kgosi Baletanye Kelewendo le ene o supile fa motse wa gagwe o na le lobaka o sena modiredi wa ofisi ya boipelego ka jalo morafe o sa kgone go fiwa ditlamelo jaaka go tshwanetse. Kgosi Kelewendo are modiredi wa ofisi ya boipelego o botlhokwa thata ka gore o thusa gore matshelo a ba ba tlhokang a kgone go tswelela. Mopalamente Tsogwane le ene o gateletse botlhokwa jwa gore motse o nne le modiredi wa boipelego are go tla thusa thata gore batho ba fiwe thuso le dikgakololo tsa go itirela dikgwebo tse di potlana ba itirela ka diatla gore ba kgone go ikinola mo lehumeng. Rre Tsogwane are bodiredi jwa maphata le jone bo tshwanetse go lomaganya le komiti ya VDC le bogogi jwa motse gore morafe o kgone go thusiwa sentle. Mopalamente Tsogwane o supile gape gore dikomiti tse di mo motseng ka go farologana di na le maphata a di berekang le one jaaka la botsogo le la temo thuo ka jalo ba tshwanetse ba tsaa boikarabelo jwa go rutuntsha maloko a tsone gore a kgone go thus morafe ka botlalo. politics 7 Monnakgotla o kopa dikgosi go gasa molaetsa Mopalamente wa Kgalagadi Bokone, Mme Talita Monnakgotla, o gwetlhile baeteledipele ba Lokgwabe le Tshane go tsibosa morafe ka seemo sa tshoganyetso ka jaana ditirelo di le dintsi di tlaa amega. O buile jalo kwa bokopanong le baeteledipele ba metse eo bosheng. O ne a ba gwetlha go rutuntsha banni ba metse ya bone ka go ema kgatlhanong le kanamo ya mogare wa corona. Mopalamente Monnakgotla a re baeteledipele le banni ba tshwanetse go tshwaraganela go lwantsha kanamo ya segajajana le puso. Mme Monnakgotla o ne a lebogela maiteko a puso a go leka go laola kanamo ya mogare o, mme a rotloetsa setshaba go obamela ditaelo tsa ba botsogo ka go tlhapa matsogo ka molora le metsi a a phepa kgapetsa kgapetsa le go fokotsa metsamao mo mafelong a a farologanyeng. Mogokaganyi wa tsa botsogo kwa kgaolong eo, Mme Kgomotso Moruisi, o ne a supa fa maiteko a go itepatepanya le seemo mo kgaolong a tsweletse. A re ba tsere tshwetso ya gore go simolola mo kgweding e e sa tswang go ya fifing ya Mopitlo go fitlha ka Moranang a le lesome, ditlhopha tsa ba botsogo di phatlaladiwe le metse go ruta ka COVID-19. Mme Moruisi o ne a supa gape fa ba sikile mafelo a le mabedi a a faphegileng mo kgaolong a a akaretsang kokelwana ya Moselebe kwa Hukuntsi le sekolo sa Botswana Open University kwa Kang go amogela batho ba ba beelwang kwa thoko go tlhatlhobiwa. O ne a tlhalosa fa mo kgaolong eo, ba ise ba gatise dikgang dipe mme a supa fa ba na le batho ba ferabobedi ba ba itlhaotseng mo setshabeng morago ga gore ba etele kwa mafatsheng a a neng a na le dikgang tsa bolwetse jo. Mo go tse dingwe, Mme Moruisi a re ba tsamaya le kgaolo go buisanya le magosi, maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse, baruti le bagolwane ba bangwe ba metse. Fa a tswa la gagwe, molaodi wa kgaolo potlana ya Hukuntsi, Mme Segomotso Nkwane, o ne a gwetlha bogogi jwa metse go tshwaraganela tiro e le puso go anamisa molaetsa kwa merafeng ya bone. Mme Nkwane a re tshwaragano eo, e tlaa thusa puso go falola manokonoko a a tseneletseng. O ne a ba itsise gape fa puso e butse matlole le dibanka gore setshaba se latlhele dithuso tsa madi mme a re dithuso tse eseng tsa madi tsone, ba ka di rolela ofisi ya ga molaodi mo kgaolong. BOKHUTLO politics 7 Banni ga ba tlotle kgotla Bogosi jwa motse wa Metsimotlhabe mo kgaolong ya Kweneng ga bo itumedisiwe ke go tlhoka go tsena phuthego tsa kgotla ke banni. Fa a bua mo puisanong bosheng, mothusa kgosi wa motse oo, Rre Maganelo Mmipi a re ka Setswana kgotla ke lefelo le le nang le seriti mme kwa Metsimotlhabe ga e tsewe ka tlhwaafalo. Mothusa kgosi a re o tshwentswe ke seemo se, a bolela fa go utlwisa botlhoko go bona morafe bogolo jang bagolo ba sa tsene phuthego tsa kgotla. O supile gore le fa gone bagolo ba sa ye kwa diphuthegong banana bone ba iteka fela thata. Go ya ka mothusa kgosi le fa dikgosana di bitsa phuthego ka dikgotlana ga go nne le tema. A re kgotla ke motheo le modi wa ditiragalo tsotlhe tse di amang morafe gonne go anamisiwa ditiro tsa ditlhabololo tsa motse gammogo le mananeo a puso teng. O kgadile a sa kgwe mathe mokgwa o gonne o bolela fa o baya motse ka fa mosing. A re tshwaragano fa gare ga morafe le bogosi e botlhokwa mme e bile motse ga o kake wa tlhabologa fa morafe o sa tsene phuthego tsa kgotla. Rre Mmipi a re go tlhoka go tsaya kgotla ka tlhoafalo ga bagolo go ka nna le seabe mo kgodisong ya banana bogolo jang ka tsa ngwao le botlhokwa jwa kgotla. A re ke matlhabisa ditlhong go bona bagolo ba sa supegetse bana tsela, a supa fa bagolo ba ka bo e le bone sekai mo bananeng. Kgosi Mmipi a re o kopa bagolo go emisa mokgwa oo mme ba fe kgotla seriti ka go e etela nako tsotlhe fa go na le pitso. O supile fa morafe o bonala fela fa go na le diphuthego tsa badirela puso kgotsa matona a puso ba etetse motse mme ba kgaphela tsa bogosi kwa thoko. O tsweletse a re ga a itumelele seabe sa morafe wa Metsimotlhabe ka ba itlhokomolosa boleng jwa kgotla. A re batho ba tlhaloganye gore seriti sa Motswana ke ngwao mme bogosi jone ke pinagare ya morafe ke ka moo mo ngwaong ya Setswana go na le kgotla. BOKHUTLO politics 7 Merogo e tlodisa monana melatswana E rile go wetseng dithuto tsa gagwe, monana Luka Rapson a leka go batla tiro mme a itaya sefololetse. A re o ne a seka a tsaya letlhoko la tiro e le seipato mo go tsweleleng pele ga botshelo jwa gagwe, ka jaana a ne a itse ka tlhomamo go na le ditsela di le mmalwa tse ka tsone a ka itepatepanyang le tsone go ipetlela bokamoso. O bolela gore e rile morago ga moo, o ne a tlelwa ke mogopolo wa go tshela ka mowa wa bopielego, mme ke fa a tsaya temo ya merogo e e neng e dirwa ke rragwe, Rre Kapena Rapson ka tlhwaafalo. Temo e ya merogo,e ne e le yone e tshetsang ba lelwapa la bone ka kakaretso. “Nna ke godiseditswe mo lwapeng la botsadi jo bo neng bo tumile mo mererong ya tsa temo-thuo, ka jalo ke ne ka bona go le maleba go nna tsala e e gaufi le ntate gore a ntlhatlhelele maele le botsipa jo bo tseneletseng jwa go lema merogo,” ga tlhalosa jalo Rre Luka. O tlhalosa fa rragwe le ene a ne a lemoga maikaelelo le lenyora la ngwana wa gagwe go dira temo ya merogo e le seikokotlelo sa gagwe sa botshelo. Mme o ne a seka a mo itsapela, a mo dira tshipidi tonto go fitlhela a itse ka tse di tlhokegang mo go lemeng merogo. O bolela fa go tloga foo, go lema le go rekisa merogo ka go farologana e ne ya nna tiro ya bone ya tsatsi le letsatsi, mme e bile theko e ne e le e e nametsang. Rre Rapson a re ka 2013, rraagwe o ne a mo rolela marapo go tsweledisa kgwebo ya bone, ka bogodi bo ne bo itelekela a sa tlhole a kgona jaaka pele. O bolela fa rragwe mo nakong eno, a le dingwaga tse di masome marataro le borataro. O tsweletse a supa fa e sale rraagwe a mo rolela marapo, a ne a itoma molomo wa tlase go ntsha maduo gore a seka a swabisa ene rraagwe yo a mo kwata bololetseng botsipa. Mogwebi yo, o tlhalositse fa kgwebo e e tsweletse sentle, ka e mo thusa go bona letseno le ka lone a le dirisang go tlamela ba lwapa la gagwe mme e bile a paka fa e fetotse botshelo jwa gagwe go menagane. “Ke setse ke kgonne go ithekela dikoloi tse pedi, mme e bile ke dirile ditlhabololo mo tshimong e jaaka go gokela motlakase,”a bolela jalo. Monana yo o tlhalosa fa go atlega ga gagwe e le go bo a ne a eteletsa lerato, bopelotelele, boineelo le gone go dira ka botswapelo mo kgwebong ya gagwe. A re gape o ne a na le thotoetso e e nitameng go tsweng mo botsading jwa gagwe. Ka jalo o rotloetsa banana ka ene go gwetlhega go nna le lerato, maikaelelo le maitlamo mo go sepe se ba eletsang go se dira go itshetsa. A re banana fa ba eletsa go tsena mo kgwebong epe fela, ba kgothale go inaakanya pele le bagwebi ba kgwebo ya go nna jalo gore ba ba abele dikitso le maele. O gatelela fa dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe. A re le ntswa a kwataboloditse mo go rraagwe, o ntse o tsweletse ka go kopa thuso mo bagakeng ba balemi ba merogo jaaka Rre Andrew Ncube wa Shashemoke. Rre Rapson o pakile gore fa temo-thuo e ka tsewa ka tlhoafalo e ka nna le bokgoni go namola Batswana ka kakaretso mo lehumeng le le tseneletseng. A re temo thuo e ka thusa go bula diphatlha tsa ditiro, a re ene o setse a thapile badiri ba le batlhano, mme e bile a na le maikaelelo gore a atolose kgwebo ya gagwe gore a tle a kgone go ooketsa badiri. O bile a tswelela a gwetlha banana lefatshe ka bophara, go tlogela mowa wa gore temo thuo e a berekisa e na le dikgwetlho. O tlhalosa gore fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho, temo-thuo le yone e na le tsa yone. Mme o supile gore fa motho a na le maitlamo le maikaelelo a go nna mogwebi wa tlhwatlhwa, o tshwanetse go ikemisetsa dikgwetlho dipe fela tse di ka tlhagogang go sa kgathelesege gore di bokete bo kae. Rre Luka a re ke nako gore banana ba ikemele ka dinao, go netefatsa gore bokamoso jwa bone e nna jo bo faphegileng. Tshimo ya ga Rre Luka e kwa Shashemoke go bapa le noka ya Shashe, e a dirisang metsi a yone go nosetsa. O lema spinach, rape, carrots, kwii le green pepper ga reng ga merogo e mengwe. A re o rekisetsa Batswana ka bongwe ka bongwe, bagwebi ba ba botlana ga mmogo le marekisetso a Choppies, Shoprite le Spar kwa Francistown. Ends economy_business_and_finance 3 Ditshupo tsa Lentsweletau di goga ka thata Mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Kgotla Autlwetse, o kgothaditse dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse e e gaisitseng e mengwe ka bophepha go dirisa madi a ba a gapileng mo dikgaisanyong go reka di dirisiwa tse di phepafatsang. O buile se, fa a ne a abela metse ya Moreomabele, Gojwane, Serule le Topisi dimpho ka go latelana ga yone mo bophepeng. Moletlo wa kabo dietsele o ne o tshwaretswe kwa wa Gojwane bosheng. Rre Autlwetse, yo e bileng e le morotloetsi mogolo wa dikgaisano tsa bophepa tsa kgaolo ya gagwe, a re maikaelelo a go simolodisa dikgaisanyo tse ke go tiisa dikomiti tsa ditlhabololo moko. O ne a supa fa a ne a rolela khansele potlana ya Tonota le ya Palapye mogopolo wa gagwe ka e le bone ba itebagantseng le go tlhokomela tikologo e bile ba na le bomaitseanape ba ba rutetsweng tiro ya tsa tikologo. Rre Autlwetse o ne a supa fa a tshwaraganetse tiro e le World Group of Companies ba a tswang kgakala a ntse a thusana le bone go tlhabolola matshelo a batho ba kgaolo ya gagwe. Moreomabele o o gapileng maemo a ntlha o ne wa abelwa P4000, setlankana le kopi, o longwa serota ke Gojwane go ikgapela P3000 fa Serule a le mo maemong a boraro mme wa tswa ka P2000 fa Topisi a gapile P1000. Ditlhopha tsa mmino wa Setswana, bodiragatsi jwa motshameko le khwaere ba ne ba abelwa makgolo a marataro bangwe le bangwe, mmoki a ne a fiwa madi makgolo a mane a dipula. Kgosi Oagile Ketlhaetse wa Gojwane o ne a supa fa bophepa e le selo se motho a tshwanetseng go tshela naso ka nako tsotlhe. Kgosi Ketlhaetse a re tikologo e e phepa e rotloetsa boitekanelo le botsogo jo bo siameng ka leswe le sa siamela botsogo jwa motho, o ne a supa fa a tshwentswe ke matlotla a a tletseng mo motseng ka a sena batlhokomedi. E rile a tlhalosa maikaelelo a letsatsi mokwaledi wa ga tona Rre Tinabo Chabaesele a re tikologo e tshwanetse go nna e e phepa ka nako tsotlhe go hema malwetse. Rre Chabaesele o ne a gwetlha banni ba metse eo go tsaa maikarabelo a go bona gore tikologo e mo seemong se se kgathisang ka seo se ka ngoka bagwebi, mme seo se ba tlhamela mebereko mo metseng ya bone. Mokwaledi o ne a supa fa maikaelelo magolo a dikgaisano tsa metse e le go rotloetsa botsalano le tshwaragano ya batho ba dikgaolo tseo. environment 5 Kgatleng Business Council e kgala thekiso ya lefatshe Boeteledipele jwa mokgatlho wa Kgatleng Business Council bo kgala thekiso ya ditsha tsa kgwebo, bonno le ditshimo mo go diragalang mo kgaolong. Ba buile jaana mo bokopanong jwa go lekodisana le go buisana ka kabo ya madi a setshaba ya 2019/2020 bosheng. E rile a akgela mongwe wa basimolodi ba mokgatlho oo, Mme Oreeditse Pone a re go ngomola pelo go bona banana ba ba tlogeletsweng boswa jwa lefatshe ba fantisa lefatshe kana dithoto di tshwana le dikoloi. Mme Pone a re ba a amega ka jaana lefatshe leo le neelwa batswakwa, selo se a kaileng se busetsa bogwebi jwa Kgatleng kwa morago ka jaanong bo eteletswe pele le go busiwa ke batswakwa ba ba gwebang ka dilo tse di kabong di dirwa ke beng gae. A re mokgwa wa go rekisa lefatshe ke sesupo sa go tlhoka tebelopele, e bile ke sesupo sa gore batho ba go nna jalo ba ipiletsa lehuma le tshotlego gammogo le go diga itsholelo le dikgwebo tsa beng gae. A re banana ba ba tlogetsweng ka dikgwebo kana lefatshe ba ka ikopanya le mokgatlho go kopa dikgakololo tsa go tsosolosa dikgwebo tseo kana go dirisa lefatshe la bone botoka go na le go sianela go le rekisa. Mme Pone o ne a tlhalosa fa puso le yone e le teng go neneketsa ba ba tlhokang thuso, segolo jang mananeo a bogwebi a a itebagantseng le go thusa banana. E rile a ba kgwa kgaba, Mokhanselara David Motlhatlhedi a re khansele e lela gape ka leruo le le bolawang ke dikoloi mo ditseleng. A re thuo le yone ke kgwebo e e ka tswelang ba le batsi mosola, ka jalo a gwetlha setshaba go tsaya kgato go dibela leruo. Mo go tse dingwe, Rre Motlhatlhedi o ne a akgola maiteko a ba Kgatleng Business Council segolo thata mo go tlhabololeng. Ka jalo o ne a gwetlha boeteledipele go tlhatlhelela bagwebi ba banana ka tsa go dirisa madi. A re ba itemogetse fa bontsi bo palelwa ke go dirisa madi a kgwebo sentle; e bile ba tshabelelwa ke go tlogela ditiro di sa wela, selo se a kaileng se senya le go busetsa maiteko a khansele kwa morago... economy_business_and_finance 3 Thuto ke kgatsi ya tsie Batsadi kwa Poloka mo kgaolong ya Shoshong ba kgothaditswe go tshwaraganela thuto ya bana ba bone le barutabana gore ba kgone go bona maduo a a itumedisang. Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela maduo a a itumedisang a lekwalo la bosupa a ngogola, mokwaledi mogolo wa ga tautona, Brigadier George Tlhalerwa a re ope fela yo o mo maemong a rileng, fa a ne a sa ela thuto tlhoko o ka bo a se mo go one mo nakong eno. Brigadier Tlhalerwa o boletse fa go le botlhokwa gore bana ba tseye thuto tsia mme segolo bogolo a rotloetsa batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana ba bone. A re seabe sa motsadi se botlhokwa mo go rutegeng ga ngwana ka gonne fa motsadi a sa kgatlhegele thuto ya ngwana wa gagwe ga go na sepe se se molemo se se ka tswang mo moithuting yoo. Brigadier Tlhalerwa a re thuto e botlhokwa thata mo botshelong jwa segompieno go sa kgathalesege gore motho o dira kae. O boletse gore le badisa tota ba tshwanetse ba bo ba itse maina a mekento jalo go solofelwa gore ba bo ba badile go ka farologanya melemo eo. A re go tsena sekolo go fa motho lesedi la gore motho a kgone go itse pharologano fa gare ga bomolemo le bosula. Brigadier Tlhalerwa o akgotse bana ba 2013 go bo ba dirile bontle a re maduo a bone a tsholeditse leina la sekolo le motse mme e bile go supa fa batsadi le barutabana ba tshwaragane. A re e re ka maduo a ngogola a ne a le mantle o solofela gore bana ba ba kwa tlase ba thusiwe gore ba fitlhelele maikemisetso a bone e tle e tsoge e le tshaba e e rutegileng e kgona go itirela. Mo go tse dingwe, Brigadier Tlhalerwa a re le fa ntswa motse wa Poloka o le monnye mme maiteko a one a a bonala. O akgotse badirela puso ba ba kwa motseng oo go bo ba tshwere ka thata go tsisa ditlhabololo mo go one. O kopile banni go mo dirisa mo dikeletsong tsa bone go tlhabolola motse oo. O ithaopile go amogedisa morutabana wa sekolo sa bananyana P500 kgwedi le kgwedi lebaka la ngwaga a ba a abela sekole seo paka ya kgwele ya dinao ga mmogo le dibolo. Sekolo sa Poloka se ne se ipelela maduo a mantle a 2013 mme e bile se ipelela le go amogelwa semmuso ke lelwapa la ga Rre Chatanga Moloi ka lenaneo la Adopt a School. BOKHUTLO education 4 Tsayang tlhopho ka tlhoafalo – Dr Gobotswang Maloko a diphathi tse di itshwaragantseng go emela ditlhopho a Umbrella for Democratic Change (UDC) ba gakolotswe go tsaya tlhopho ka tlhoafalo ba e dirisa go dira diphetogo mo matshelong a bone. Kgakololo eo e dirilwe ke mothusa moeteledipele wa phathi ya Botswana Congress (BCP), Dr Kesitegile Gobotswang kwa phuthegong ya sepolotiki ya diphathi tsa magata-mmogo tsa UDC kwa Mahalapye ka Matlhatso. Dr Gobotswang o gakolotse Batswana ba ba dingwaga tse di lesome le boroba bobedi le go feta go dirisa sebaka se ba se filweng go ikwadisetsa ditlhopho. A re ba seka ba tsaya tlhopho matletleisi, ba itse fa e le selo sa botlhokwa mo go kaeleng sepe se se dirwang se itebagantse le go tlhabolola botshelo jwa setho. “Re fano go le rotloetsa go ikwadisetsa ditlhopho. Keletso ke gore Motswana mongwe le mongwe yo o dingwaga di mo letlang go ikwadisa a dire jalo,” ga tlhalosa Dr Gobotswang. E rile a itebaganya le kgang e e amang bokopano jwa UDC a tlhalosa fa e le boammaruri ba aparetswe ke dikgwetlho tse di tlhokang boineelo le bopelotheri jwa maloko le boeteledipele jo bo tsepameng gore di kgone go rarabololwa. “Go bokete, re raletse diemo tse di thata, sefofane sa UDC mo nakong eno se raletse matsubutsubu a diphefo a tlhoka gore mongwe le mongwe a ingangatlele gore seemo seo se kaologe,” a gatelela. Le fa go ntse jaana, boeteledipele bo tlaa tswa ka tharabololo e e tshwanetseng, ga tlhalosa Dr Gobotswang. “Re itse mathata a rona, e bile re bonye tlharabololo ya one. Re le boeteledipele re itse fa re tshwanetse ra tsaya tshwetso e e tla re isang kwa re eletsang go goroga teng,” a tlhalosa. O ne a supa gore diphathi tsa kganetso di lemoga dikgwetlho dingwe tse di tshwenyang mme di kgoreletsa matshelo a Batswana. Dr Gobotswang a re bosheng jaana go nnile le madiadia a go thusa bana ba ba duelelwang thuto ke puso, mme bangwe ba bone ba simolola dithuto morago ga nako, fa madi a itshetso le a dibuka a bana ba ba ithutelang bongaka le one a diegile mme seo sa kgoreletsa thuto ya bone. Mothusa moeteledipele wa Botswana National Front Reverend Dr Prince Dibeela o iteetse moroko mafoko a ga Dr Gobotswang, a supa fa tlhopho e le botlhokwa. “Emisang go tlhopha baemedi ba ba sa le direleng boammaruri,” ga tlhalosa Dr Dibeela, a re phoso e dirwa ke motho e bile e baakanngwa ke motho ka jalo nako e tsile ya go baakanya ka go neela puso phathi ya UDC. “Nako e tsile ya gore Batswana ba rome UDC, e na le mananeo le baeteledipele ba ba nonofileng go tsamaisa meamuso ya lefatshe le, le go diragatsa dikeletso tsa lona go sena pelaelo epe,” a tlhalosa. O supa fa UDC e na le tsamaiso e e tsepameng go thusa Batswana go tokafatsa matshelo, a supa sengwe sa dilo tse di tla dirwang e le go rerisana le morafe go baakanya molao motheo ka go ntsha tsotlhe tse di sa tsamaelaneng le ka fa ba tshelang ka teng. Dr Dibeela a re sengwe sa botlhokwa ke go tokafatsa tsamaiso ya dikgaolo ka go di fa sebaka sa go itirela lenaneo la tiriso ya madi le go oketsa kana go tswakanya metswedi e ka dirang madi mo dikgaolong ka go farologana. O supile gore phathi ya UDC e tlaa tsibogela kopo ya setshaba ya gore bana ba dingwaga tse di kwa tlase ba rutwe pele ka diteme tsa batsadi ba bone gore ba kgone go tlhaloganya ka bofefo le go tshwara se ba se rutwang. “Re itlamile go fa bana thuto jaaka e le tshwanelo, mme ope yoo ka lekang go kgoreletsa lenaneo le o, jaaka batsadi bangwe ba ba ntshang bana mo dikolong ba ba dirisa ditiro tsa bokgoba, o tla tseelwe dikgato ka fa molaong,” ga tlhalosa Dr Dibeela. O ne tswelela a supa gore phathi ya UDC e na le mananeo a ditlhabololo a nonofileng e bile a ikaeletse go isa lefatshe kwa pele. BOKHUTLO politics 7 Banni ba kgala batho ba ba sa ikemeleng ka dinao E re le ntswa puso e dule ka mananeo a a fetang dithapo tsa leselo go ka thusa go ntsha Motswana mo lehumeng, go lebega go santse go na le Batswana bangwe ba ba intshitseng bo atlhama ke go jese ba sa ikemele ka dinao go ka dirisa mananeo ao, go tila manokoko a lehuma. Se se kgadilwe ke banni ba Lobatse mo bokopanong le lekgotla le le sa tswang go tlhomiwa bosheng ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama. Lekoko le, le raletse lefatshe leno ka bophara go phutha megopolo e e ka thusang go loga lenaneo la tebelopele ya setshaba ya ngwaga wa 2036. Fa a akgela morago ga go bewa pele mafoko ke moeteledipele wa lekoko le le neng le buisana le banni ba Lobatse, Rre Master Matlhaope ya gore ba batla Botswana yo o ntseng jang ka ngwaga wa 2036, moeteledipele wa pele wa komiti ya ditlhabololo tsa toropo, Mme Joyce Seleka a re ba eletsa go bona setshaba se se itirelang ba dirisa mananeo a a tlhomilweng ke puso ga mmogo le go tswa ka dikakanyo tse di faphegileng go ka tlhabolola matshelo a bone go na le go baya mo pusong e le nosi e a supileng e ka se kgone go rwala morwalo e le nosi. A re mo ngwageng wa tebelelopele ya setshaba ya ngwaga wa 2036, Batswana ba tshwanetse gore ba bo ba itlhametse dikompone ka go farologana mme e bile ba kgona go di atolosetsa kwa mebarakeng ya mafatshe a mangwe. A re se se ka thusa go godisa itsholelo ya lefatshe leno. Mo go tse dingwe, Mme Seleka a re ba eletsa go bona Batswana e le tshaba e e tlotlomatsang tumelo ya sekeresete, e a supileng fa e reketla ka ntlha ya go tlhoka neelano gareng ga mekgatlho ya dikereke mo lefatsheng leno. Fa a tswa la gagwe, Rre Elias Rantleru o ne a fetisa mogopolo wa gore boeteledipele jwa lefatshe bo tshwanetse go tsaya maikarabelo ka dilo tsotlhe tse di amang setshaba sa Botswana a tlatsa ka gore ba tshwanetse go kgothatsa setshaba go itirela ka meamuso e lefatshe leno le setseng le na le yone go phekisana le mafatshe a mangwe.BOKHUTLO society 9 Ditlhopho tsa pele di beetswe Phalane a le lesome le borobabobedi Lekgotla le le ikemetseng le le tsamaisang ditlhopho la IEC le beile letsatsi la Phalane a le lesome le borobabobedi go nna lone la ditlhopho tse di tla tshwarwang pele ga nako. Mo potsolotsong le bosheng, moanamisa mafoko wa lekgotla leo la IEC, Rre Osupile Maroba, o boletse fa Batswana ba berekelang kwa ntle ga lefatshe leno le bone ba tla nna le sebaka sa go latlhela tlhopho ya bone mo go lone letsatsi le, kwa matlhophelong a farologaneng kwa, South Africa, Australia le China gareng ga a mangwe. A re go latlhela tlhopha pele ga nako go ne go direlwa batho ba ba tlaabong ba theogetse ka nako ya ditlhopho jaaka mapodise le bao ba tlaabong ba tsamaisa ditlhopho kwa matlhophelong. Rre Maroba a re go solofetswe gore Batswana ba le 1 148 ba ba kwadisitsweng ba latlhele tlhopho ya bone mo go lone letsatsi leo, a tlatsa ka gore morago ditalama kana dipampiri tsa tlhopho di tla romelwa mo Botswana kwa di tla balwa le go kgaoganngwang go ya ka dikgaolo tsa botlhophi. A re ditalama di tla balwa fa pele ga baemedi ba diphathi pele di ka fetisetswa kwa dikgaolong tsa tsone tsa botlhophi. A re palo e ntsi ya Batswana b a ba kwa ntle ba kwa South Africa, e yone e nang le matlhophelo a le supa, e bo e latelwa ke Australia ka matlhophelo a le borataro. O kaile fa New Zealand e na le lefelo le le lengwe fela le go tla tlhophelwang kwa go lone, fa China yone e na le a le mabedi mme Malaysia le yone e na le le lengwe. Rre Maroba a re ka nako ya tlhopho, batho ba fiwa talama le sephuthela go tsenya talama mo go sone. Tebang le palo yay a bao ba tlaabong ba thusa go tsamaisa ditlhopho jaaka mapodise le batlhophisi, Rre Maroba a re dipalo ga di ise di tswe ka go sa ntse go tsweletswe ka go tlhomamisa dipalo tsa ba ba tlaabong ba theogetse ka letsatsi la ditlhopho tsa setshaba, Phalane a le masome a mabedi le bone. Bokhutlo politics 7 Leruo le simolotse go utswiwa bosigo mo masakeng Mothusa mookaela mapodisi a Sehithwa, Assistant Superintendent Moutlwatsi Ikobeng a re ba tshwenngwa ke bogodu jwa leruo le le tsewang mo masakeng bosigo, jo a reng ga bo a tlwaelesega mo kagolong. Fa a bua mo potsolosong le BOPA bosheng, Assistant Superintendent Ikobeng a re magodu a simolotse mokgwa wa go tsenelela leruo mo masakeng bosigo go robetswe ba bo ba le olela mo dikoloing. O ne a kaya fa bo setse bo tsaya phekelo e sele ka jaana magodu ao a kgona go olela lesaka lotlhe mo barui ba salang fela ba itshopere. A re gantsi ba utswa dihutshane. Mothusa mookamela mapodisi a re ba lemogile gore magodu a go nna jalo gantsi ba tsenelela masaka a a agwang kgakalanyana le matlo a borobalo, a re leruo le go senang dintsa tse di disang ke lone gantsi le utswiwang. A re le fa ba leka bojotlhe go lwantsha bogodu jwa leruo jo bo sa ba robatseng mo kgaolong, ba tshwenngwa ke bangongoregi ba ba tshololang dikgang tsa go nna jalo. A re seo se a ba tshwenya ka se ka ba itsa go lwantsha bogodu jwa leruo jo bo tlhasetseng lefatshe ka bophara. A re bangongoregi ba begela mapodisi fa ba senyeditswe mme morago ba tsholole kgang. A re bangongregi ba kopana le babelaelwa kwa bothokong mme morago ba supe fa ba itshwarelanye. O tlhalositse fa mokgwa oo, o dira gore modira molato a tswelele ka molato oo, a supa fa bangwe ba tswa ka methale e mesha gore ba seka ba tshwarwa. O ne a kopa barui go bereka le mapodisi mo ntweng kgatlhanong le bogodu jwa leruo. A re go tsholola dikgang e gakatsa bogodu ka gore ope yo o dirang molato a bo a sa otlhaiwe go se motlhofo gore a latlhe mokgwa oo wa gagwe. O tlhalosa gore gantsi batho ba ba otlhaiwang kana ba tsena mo kgolegelong ba latlha mekgawa ya bone mme ba nne batho ba basha. O gakolotse barui go aga masaka a bone gaufi le matlo a ba robalang mo go one gore fa magodu a tsena mo masakeng ba kgone go lemoga ka bonako. A re dintsa tse di ruelwang mo dipoding le tsone di botlhokwa ka di ka kganela magodu kana tsa lemotsha morui fa di tlhasetswe ke magodu ka go bogola. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Ba kopiwa go kwadisa ditsha Leloko la khuduthamaga ya lekgotla le lebotlana la kabo ditsha la Kanye, Mme Maduo Osupeng o kopile banni ba Lotlhakane East go kwadisa ditsha tsa bone gore ba di sireletse le go nna le ditlankana. Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla, Mme Osupeng oo boletse fa go na le ditsha di le 1 103 mo motseng o tse di sa kwadisiwang. A re labofelo ba baya ditsha ke ka 2015 ba baya batho ba ba sa bolong go ikopela ka 2004. Mme Osupeng a re ba tsweletse ka go kwadisa Batswana ba ba nang le masimo gore le bone ba bone ditlankana. O ne a tlatsa ka go re go na le dikopo tsa ditsha di le 6 811 kwa motseng oo. A re tiego ya go sega ditsha e dirwa ke mabaka a a farologanyeng jaaka tlhaelo ya madi mme a kopa banni go nna pelotelele. A re fa motho a na le setsha sa bonno, o tshwanetse a bo a se tlhabolotse mo dingwageng tse tlhano, masimo one tse tharo fa wa kgwebo ene a neelwa ngwaga fela gore le ene abo a tlhabolotse. Ka jalo o ne a gakolola banni ba ba santseng ba saletse kwa morago go tlhabolola ditsha tsa bone. Mo go tse dingwe, o ne a bolela fa ba tshwentswe ke bomaipayafela mo metseng ka go farologana, ka jalo a tlhagisa fa yo o fitlhelwang a sa bewa ka fa molaong a tlaa atlholwa P10 000. Fa ba tswa la bone, banni ba ne ba ngongoregela gore ba sale ba kwadisitse ditsha tsa bone mme ga ba ise ba neelwe dinomoro tsa bone tsa ditsha. Ba ne ba ngongoregela gape gore go tsaya lebaka go bona ditsha mme e re ba sena go di neelwa, ba fiwe nako e khutshwane go di tlhabolola, ka jalo ba ne ba kopa puso go sekaseka kgang e. Mongwe wa banni, Rre Justice Mashana o ne a re o tshwentswe ke matlotla a a tletseng mo motseng. A re magodu a iphitlha mo teng. BOKHUTLO society 9 Ba Ghabamocha ba lela ka bogodu ja leruo Banni ba motsana wa Ghabamocha gaufi le Shorobe kwa Bokone Bophirima ba tlhalositse fa ba tshwenngwa ke bogodu jwa leruo jo ba reng bo golela pele mo kgaolong ya bone. Banni ba tlhaloseditse mopalamente wa Maun Bophirima Rre Goretetse Kekgonegile ka Labobedi fa a ile go lekola motsana wa bone, fa ba setse ba dule bahumanegi ka ntlha ya magodu a a fetsang leruo la bone. Mongwe wa banni, Mme Kebotse Sakoi o tlhalositse fa magodu a kgona go direla badisa matshosetsi e bile a re ene o latlhegetswe ke dikgomo tse thataro ka ntlha ya bogodu. Rre Mphoyamodimo Mambukushu o gakolotse gore ditsamaiso tsa leruo di fetolwe, di dirwe ke ba bogosi jaaka thekiso le tsamaiso ya mahudiso, a re gongwe seo se ka thusa go sireletsa barui. Mopalamente Kekgonegile o ne a gakolola banni go ipopa setlhopha le go itshwaraganya le ba molao go buisanya ka fa ba ka thusanang ka teng go lwantsha bogodu jwa leruo le gone go sekaseka gore a ba ka thusiwa ka lenaneo la KgomoKhumo. Fa a bua ka matlhabelo a Botswana Meat Commission, Rre Kekgonegile a re keletso ke gore BMC e fetole tsamaiso ya yone gore e reke dikgomo tse di sa golang thata ka tlhwatlhwa ya tse ditona ya nako eno. A re seo, se ka thusa barui go boloka madi a go godisa leruo le go nna le dipoelo tse di botoka. Mo go tsa temo, mopalamente o ne a gakolola banni go sekaseka ditsela tsa temo di tshwana le go lema e le ditlhopha. O ne a ba gwetlha go tsaya temo-thuo ka tlhoafalo. A re bolwetse jwa COVID-19 bo supile fa go le botlhokwa gore lefatshe le itirele dijo le bo le ijese ka go ne go na le tlhaelo ya dijo dingwe ka nako ya kiletso motsamao. Le fa go ntse jalo, Rre Kekgonegile are banni ba Gabamocha gore ba tswelele ka go itlhokomela kgatlhanong le go ka tsenwa ke bolwetse joo, a re ba tswelele ka go tlhapa diatla le go katologana. crime_law_and_justice 1 Lobatse o ipelela tebelopele ya setshaba Go botlhokwa gore jaaka Batswana ba gorogile kwa ngwageng wa 2016 ba ipelele matshego a ponelopele le go sekaseka gore ba e kgonne go le kae. Ka jalo, banni ba Lobatse e ne ya re ka bosheng ba bo ba kgobokane kwa kgotleng ya Peleng go ipelela lengwe la matshego a ponelopele ya 2016 ya go nna tshaba e e kutlwelobotlhoko, e e siameng e bile e tlhokomela botlhe. Fa a ema batsena moletlo ka lefoko, monni wa Lobatse e bile e le modiri wa pele wa lephata la Botswana Geo-science Institute, Rre Andrew Gondo, o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go kgathala le go tlhokomela, bogolo jang ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ga mmogo le balwetse le bone bagodi tota. Rre Gondo a re se ke sone se agang setshaba go nna se se nitameng. A re go molemo gore e re fa batho ba dira ditiro tsa bopelotlhomogi ba bo ba sa solofele tuelo epe, ba tlhaloganya fa ba direla Modimo. A re jaaka ngwaga wa tebelopele ya Botswana o wela, go botlhokwa gore batho ba eme, ba itshekatsheke ba bone kwa ba tswang teng. Fa a tlhalosa maikaelelo a moletlo o Kgosi Pepukani Makambe wa kgotla ya Motswedi/Thema o ne a re jaaka Botswana a digela dingwaga di le masome matlhano a ntse a ipusa, go botlhokwa go ipelela seo ka botswapelo. Kgosi Makambe a re letshego le ya go nna tshaba e e kutlwelobotlhoko, e siame e bile e kgathala ka batho ke lone fela le supang setho le botho jwa motho. A re ba ba diragatsamg letshego le ke ba ba supang fa ba na le mowa wa setho, ka jaana letshego le, e o rotloetsa. A re le fa ngwaga wa 2016 o ya bokhutlong go botlhokwa gore batho ba tswelele ba tshegeditse letshego le, go supa lorato mo go ba ba tshelang le bone. Go supa fa e le ruri Batswana e le tshaba e tshaba e kutlwelobothoko, e e siameng e bile e tlhokomela botlhe, maphata a a neng a rulagantse tiro e, a akaretsa a Setswana le a dikereke, bo mmaboipelego le dikomiti tsa ditlhabololo a ne a nankola ditiro tse ba di dirileng go supa bobelotlhomogi, mme ba akgolwa. society 9 Tautona o lekola Batswana kwa eSwatini Tautona Mokgweetsi Masisi o lekodisitse Batswana ba ba nnang kwa eSwatini fa puso e ikaelela go dira diphetogo dingwe ka bofefo tse di tlaa dirang gore itsholelo e tokafale. A re puso e ikaelela gore e ngoke e bo e amogele babeeletsi go leka ka bojotlhe go tokafatsa seemo sa matshelo a Batswana ka kakaretso. O buile jaana fa a buisa kokoano ya Batswana ba ba neng ba tshologetse go tla go mmona le go botsana matsogo kwa toropong kgolo ya eSwatini, Mbabane bosheng mo loetong lwa gagwe jaaka a tsweletse go ipegela bo tautona ba mafatshe a lwkgotla la borwa jwa Afrika (SADC). Tautona o nnile le sebaka sa go ba itholela le go ba itsese semmuso gore fa a sena go tlhongwa semmuso, o ne a dumelana le ba phathi ya gagabo go tlhoma Rre Slumber Tsogwane go nna mothusi wa gagwe, mme a ikanisiwa semmuso kwa Palamenteng le gore mokwaledi wa gagwe yo mogolwane yo o faphegileng ke Rre Bezark Maphakwane. A re puso e ikaelela go loga maano go leka go tlhama mebereko gore Batswana ba ba sa berekeng le bone mo isagong ba kgone go oba letsogo. Tautona Masisi o boletse fa puso mo nakong e e sa fediseng pelo, e tlaa rerisa Batswana le go tsaya megopolo ka fa go ka tokafadiwang botshelo ka teng. Dingwe tsa dikgang tse a buileng ka tsone ke gore puso e tlaa rerisa Batswana ka go loga maano a gore go tokafadiwe mabaka a gore babeeletsi ba kgone go tlhama mebereko, a bolela fa ba le bantsi ba meletsa Botswana mathe. A re mebereko ga e tlhamiwe ke puso e le nosi, se puso e ka se dirang ke gore ditsetlana dingwe tse di kgoreletsang babeeletsi di tokafadiwe. A re puso e tsere tshwetso ya gore e buisanye ka dikgang tse di tshwenyang Batswana ba le bantsi tse di amang dikgwebo tsa go rekisa bojalwa gore go ka dirwa jang gore bo nowe sentle, matshelo a batho le dithoto di babalesegile. “Re ya go dira se, re sa tswe tshaba ya matagwa. Re tlaa buisana le Batswana ba ba ratang maitiso gore go ka dirwa jang gore ba bine ba gololesegile mme ba sa kgoreletse ba bangwe,” Tautona Masisi a tlhalosa. Tautona o boletse fa puso e ikaelela go buisana ka tse di amang matshelo a diphologolo le batho ba ba nnang kwa dithoteng tsa diphologolo jaaka bokone jwa lefatshe leno. A re puso e tlaa sekaseka gore go ka dirwa jang gore batho ba tshele sentle le diphologolo, di sa ba senyetse e bile di sa tsenye matshelo a bone mo diphatseng ka jaana go nnile le dipego di le dintsi tsa go tlhoka go tshedisana sentle ga diphologolo le batho, segolo bogolo ditlou. “Re le puso re tlaa sekaseka gore jaaka re ntse re emisitse diteseletso tsa letsomo, a ke go bulelwe, mme fa go bulelwa go fokodiwe fa kae, go dira gore dilelo tsa Batswana di fokotsege,” Rre Masisi a supa. Tautona a re melawana ya diteseletso ya tsa pereko e tlaa tlhofofadiwa gore go ngokwe bagwebi ba ba ka tlhamelang Batswana ditiro. Fa a latlhela la gagwe, tona wa tsa mafatshe a sele, Rre Vincent Seretse o rotloeditse Batswana go nna sekao sa Botswana fa ba le mo mafatsheng a sele. A re ba seka ba ithontsha ditshwanelo tsa Botswana jwa bone mo dilong di tshwana le go tsaya karolo mo ditlhophong tsa setshaba. Kgosi Puso wa Batlokwa, yo o neng a le mo lekokong le le neng le patile Tautona, o boletse fa more mogolo go betlwa wa taola. A re Batswana ba ba nnang kwa ntle ga lefatshe ba tshwanetse go nna sekao ka jaana ke bone ba ka supang botho jwa Batswana le go tshegetsa ngwao, e seng go kopisa dingwao tsa ditshaba disele. Moemedi wa Batswana ba ba nnang kwa eSwatini, Mme Semakaleng Mthethwa yo o nyetsweng teng, o boletse fa ba santse ba tsogile mme a supa fa a itumeletse go tlhongwa ga ga Tautona Masisi thata le khudu thamaga ya gagwe. O galaleditse Tautona Masisi le Mme Neo Masisi a re maiteko a go ba lekola ke sekao sa gore o a ba kgathalela. Modiro o, o ne o rulagantswe ke moemedi wa lefatshe la Botswana kwa South Africa le mafatshe a mangwe, Rre Zenene Sinombe. BOKHUTLO politics 7 Tshireletso o leboga banni Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso o lebogetse banni ba kgaolo ya gagwe go dira le ene sentle mo ngwageng tse di lesome tse ba neng ba di mo romile kwa palamenteng. Fa a buisa diphuthego mo kgaolong ya gagwe ya botlhopi, Mme Tshireletso o boletse fa go tshwanela gore a ba leboge ka ba mo tlhophile ka lerato. Mme Tshireletso o tlhalositse fa ba mo diretse ka bokgabane le ka tlotla e e faphegileng, mme e bile ba mo file seriti ka a ne a fiwa maemo a bothusa tona jwa dikgaolo le tlhabololo magae. Mme Tshireletso o tlhalositse fa tirisano mmogo ya gagwe le batlhophi ba kgaolo ya gagwe ene e le ya maemo a kwa godimo bogolo jang ka a ise a omanyediwe go tlhoka go boela mo kgaolong go rola le go tsaya megopolo go ya palamenteng, ntswa a ne a lebagane le lefatshe leno ka bophara, ka jalo o ntse senatla ka ntlha ya bone. O tsweletse a re o lebogela gore e re le ntswa ba ne ba mo romile a bo a rongwa gape ke puso, ba ne ba mo ema nokeng, mme e bile ba ipela ka ene.Bokhutlo politics 7 Goya o akgola kgotla ya Lotsane Ba kgotla ya Lotsane kwa Palapye ba akgoletswe maiteko a go dira tshingwana ya merogo go lwantsha kgwetlho ya go tlhoka botsogo jwa batho mo nakong ya gompieno. Ba akgotswe jalo ke mopalamente wa bone, Rre Moiseraele Goya bosheng kwa kgotleng ya bone fa a ile go ba lekola a le mo loetong la kgaolo ya gagwe ya botlhophi. A re o eletsa gore maiteko a bone a gasame le dikgotla tsotlhe tsa kgaolo ya gagwe ka e le ntlha e e botlhokwa go lwantsha mmaba yo o tlhasetseng botsogo jwa seshaba. O ne a ba a ba kgothatsa gore ba lwantshe borukutlhi a re bo kgoreletsa kagiso le thokgamo tse di renang mo lefatsheng la Botswana. E rile a araba ikuelo ya gore bommaboipelego ba boitseme go sekaseka balwetsi ba ba tlholelwang mo malwapeng a re o tlaa isa ngongorego eo kwa go bone, a re gape ba tshwanetse go nna ba thusa le ka koloi fa go na le mathata a batho bao. Rre Maina Kgopo o ne a re ba kopa motshela kgabo go bapa le kereke ya ZCC a re batho ba dikologa kgakala fa ba tswa kwa ditirelong. O rile a araba mopalamente o ne a re o tlaa isa kopo eo kwa go ba ba lebanyeng lefa go santse go le mo leshekereng la madi. Kgosi wa kgotla eo Nkwaila Maphanephane o ne a ikuela mo go mopalamente a re ba khansele ga ba dirisane le dikgosi ga ba ba rerise sepe le fa ba kopa thuso ga ba dire jalo. BOKHUTLO politics 7 Dirisang mananeo - Mosupi Motshwarelela mothusa mokwaledi mo lephateng la temo-thuo, Dr Pharoah Mosupi, o kopile balemi ba kgaolo -potlana ya Tutume go dirisa mananeo a puso go tokafatsa seemo sa temo mo kgaolong. Dr Mosupi o ntshitse kopo eo ka letsatsi la ditshupo tsa kgaolo-potlana ya Tutume tse di neng di tshwerwe kwa Tutume ka Matlhatso (Phukwi 25). A re balemi ba kgaolo eo ba maoto a tshupa go inaakanya le mananeo. O ne a tlhalosa fa balemi lefatshe ka bophara ba teratetse masimo a bone ka ditlhopha mme mo kgaolong eo ba le bonya go dirisa lenaneo la ISPAAD la go teratela masimo ba le setlhopha. O ne a ba gwetlha go tlogela mokgwa oo, a re ba dirise lenaneo leo ka le thusa thata go kganela leruo go senyetsa balemi dijalo. A kopa banana go tlhalosetsa batsadi ba bone ka mananeo ao gore ba a tlhaloganye le go ba rotloetsa go a dirisa. Dr Mosupi o ne a akgola balemi bao, a re le ntswa seemo sa loapi e le se se sa ikanyegeng ba kgone go tsisa disupiwa kwa ditshupong, le tsone di supiwa tseo di bonala gore balemi-barui bao ba ne ba le mo moonong le dithuto tse ba neng ba di fiwa ke balemi. O tswelete a ba kopa go dirisa maranyane a sesha a temo go inaakanya le seemo sa phetogo ya loapi se se amang dijalo tsa bone. A re seemo seo se gwetlha balemi go dirisa maranyane ao a go jala ka ditselana, go tshela monontshane, go jala dipeo tse di bogadi bo gaufi le go tshwara bokgola jwa dipula tsa ntlha. O ne gape a ba gwetlha go lebelela gore kgaolo e ba mo go yone e siametswe ke dipeo dife tse di kgonang go e itshwarelela ka dinako tsa komelelo go na le go lema mmidi o montsi go be go ya go nna tatlhegelo. Re Mosupi o ne a kopa balemi-barui bao go thusa puso ka dipodi gore go kgonwe go thusa ba bangwe. Modulasetilo wa komiti ya ditshupo tsa kgaolo-potlana ya Tutume, Rre Mmoloki Chizhala o ne a supa fa go santse go na le phatlha e tona thata magareng ga badirelapuso le morafe. O tlhalositse fa go tlhoka go lomagana moo go dira gore ditshupo tsa bone di seka tsa tsamaya sentle. Rre Chizhala o boletse fa maphata a sa ba fe thotloetso gape le go tsisa di supiwa ba sa dire jalo, kana ao a a thusang batho jaaka a nyeletso lehuma ga ba rotloetse batho bao go tla go itshupa. Fa a leboga, modulasetilo wa khansele potlana o ne a tlhalosa fa marekisetso mangwe a dijo tsa leruo a santse a gana go fokotsa ditlhwatlhwa. A re ba bolela fa go tsaya nako go duelwa. Rre Mokgethi o ne a ngongorega ka marekisetso a puso a melemo ya leruo le dijo tsa tsone, a re a nna a tlhaelelwa ke dithoto tseo ka jalo a kopa gore ba leke go reka mo go tsayang nako go thusa balrui. society 9 Makhanselara a Legare a lebogela ditlhabololo tse di dirilweng Makhanselara a kgaolo ya Legare ba lebogile puso ka ditlhabologo tse di dirilweng mo dikgaolong tsa bone ka go farologana. Ba buile se jaaka fa ba ne ba akgela mo mafokong a modulasetilo wa khansele ya Rre Peter Williams ka Labobedi kwa Serowe. Mokhanselara wa Nshakashogwe Rre Anthony Chebane o ne a lebogela ditlhabololo tse di dirilweng kwa Tutume di tshwana le tsela, dipone tse di mo mmileng le mosele o o fetisang metsi a pula. Rre Chebane o ne gape a lebogela puso go bo e bone go tshwanela gore metsi a letamo la Ntimbale a nose metse e e senang metsi kwa kgaolong ya gagwe le metse e e mababi, a bolela fa tiro eo ya go atolosa metsi e le gaufi le go dirwa. O ne a lebogela go dirwa ga tsela ya Shashemooke/Mathangwane, a bolela fa e le botlhokwa ka e tlaa lomaganya metse eo. A re tsela eo e tlaa tsenngwa le dipone. Rre Chebane o ne gape a lebogela ditlhabololo tsa tsela tse di dirwang kwa Serowe. A re Serowe ke motse o motona o o neng wa siiwa ke ditlhabololo, ka jalo go le maleba gore go bo go tsenngwa ditsela. Mokhanselara a re o na le tsholofelo ya gore mo nakong e e tlang khansele ya legare e tlaa okelediwa madi ka e le tona thata mme e konyediwa madi. Rre Chebane o ne a galaletsa Tautona Dr Mokgweetsi Masisi go bo a kgonne go dira diphetogo di le dintsi mo nakong e khutshwane e a nnileng Tautona. A re go a itumedisa go bo Tautona Masisi a lwantsha tshenyetso setshaba. Mokhanselara wa Motshegaletau Rre Malau Gabaipone o ne a lebogela mananeo a tshwana le la ESP, la go fokotsa melala le la ISPAAD, a re mananeo a a dirile go le gontsi mo lefatsheng leno go tlhabolola matshelo a batho. A re lenaneo la ISPAAD le dira go le gontsi ka Batswana ba ne ba sa kgone go itemela mme ka thuso ya puso ba kgona go lema. Mokhanselara wa Mogapi Rre Tuelo Metseyabeng le ene o ne a galaletsa puso, a bolela fa ba ne ba na le mathata a tsela ya Martins Drift mme ya felela e dirilwe a ba a lebogela go bo go ne ga kgonagala gore go dirwe tsela ya Mogapinyana e go neng go se motlhofo go tsamaya mo go yone. A re seo ke sesupo sa gore puso ga e tlhaole e bile e leba Motswana mongwe le mongwe ka go lekalekana. Mo godimo ga moo, makhanselara ba ne ba lebogela Rre Williams go bo a ne a dira le bone sentle go se na dikgogakgogano dipe. Ba re Rre Williams o ne a kgathala thata, segolobogolo ka tlhokomelesego ya makhanselara. Ba re le fa ditsompelo di ne di tlhaela, ba ne ba kgona go dira ditiro dingwe. BOKHUTLO politics 7 Lelatisitswe o rotloetsa Batswana go aba madi a mmele Mothusa tona wa Lephata la Botsogo le Boitekanelo, Rre Sethomo Lelatisitswe o kgothaditse Batswana go aba madi a mmele ka dipalo tse di kwa godimo go thusa go boloka matshelo. Mothusa tona o buile jaana Seetebosigo a tlhola gangwe kwa Maun fa a ne a bula semmuso ntlwana e e tlaa bong e dirisiwa go aba madi a mmele. A re Batswana ka bontsi ba maoto a tshupa go aba madi a mmele le ntswa a tlhaela. A re go tlhokega 45 000 litres ya madi a mmele ka ngwaga, a tlhalosa fa palo e ntsi ya madi ao e dirisiwa mo go ba ba amegang mo dikotsing tsa tsela, le ka nako ya pelegi ga mmogo le malwetse a mangwe. Mothusa tona, yo gape e leng mopalamente wa Boteti Botlhaba, o kopile banni ba Maun go dirisa ntlwana eo, e ba e beetsweng mo toropong. Rre Lelatisitswe o boletse fa ka 2013, gone ga bulwa makalana a le mane mo dikgaolong tse di farologanyeng, mangwe a le kwa Maun, e le bontlha bongwe jwa go leka go goroga kwa seelong sa 45 000 litres. Mothusa tona o bile a akgola bapalami ba dibaesekele ba mokgatlho wa Pledge 25, ba ba boneng go le botlhokwa go thusa go anamisa molaetsa wa go aba madi a mmele, mme a nna ene wa ntlha a aba madi kwa lefelong leo. Kgosi Oleo Ledimo o ne a re go a itumedisa gore go bo go tsile go bulwa ntlwana ya go aba madi a mmele le go ribolola leeto la bapalami ba dibaesekele le le tlhagolelang tsela letsatsi la mafatshefatshe la kabo ya madi a mmele le le tlaa ketekelwang kwa Selebi Phikwe. A re maikaelelo a mangwe a tiro eo ke go tsibosa le go rotloetsa setshaba ka botlhokwa jwa go aba madi a mmele, mo a rileng ke mpho ya botlhokwa e e ka thusang gore mongwe a seka a tlhokafala. O kopile banni ba Maun go dirisa lefelo leo ka tlhoafalo le ka tsela e e tshwanetseng. Dr Malebogo Kebabonye wa kokelo ya Letsholathebe o ne a akgola banana a re mo malatsing a gompieno go itshupa fa e le bone ba gatetseng pele ka go aba madi. Dr Kebabonye a re madi a mmele ke pilisi e e ka sekeng e dirwe ke kompone epe ntswa e le botlhokwa. O ne leboga banni ba Maun, a re ba thusitse ka tsotlhe gore pulo semmuso ya lefelo leo e atlege. health 6 Choppies e abela ba Digawana Marekisetso a Choppies la Wayside kwa Lobatse a abetse malwapa a le masome a matlhano dijo tse di lopileng dikete tsa di Pula di le lesome le bongwe. Se se tla morago ga gore pula le phefo di rutlomolole matlo mangwe bosheng. Fa a bega dijo tseo kwa kgotleng ya Digawana, moemedi wa Choppies, Rre Tshepiso Rammurwana o ne a tlhalosa fa ba ne ba lemoga fa go tshwanetse gore ba thuse malwapa ao ka dijo morago ga seru se se bawetseng. Kgosi Moatlhodi Kgwakgwe o ne lebogela Choppies go thusa malwapa ao. O ne a lebogela Choppies go tswelela ka go thusa ba ba dikobo dikhutshwane, a kaya fa se se supa fa morafe wa Digawana o segofetse go bo ba bone dimpho tseo. Le fa go ntse jalo, o ne a kopa ba ba thusitsweng go tlhokomela tse ba di neetsweng le go ba rotloetsa go rapelela motse wa bone a tlhalosa fa thapelo e le yone konokono mo mathateng a diemo tsa dibetso tsa tlholego. Mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Good Hope, Mme Opelo Mongwa, o ne a tlhalosa fa e rile morago ga go amega ga malwapa ao, mopalamente wa kgaolo, Dr Edwin Dikoloti o ne a ikuela mo setshabeng le beng ba dikgwebo go thusa ba ba wetsweng ke seru. Ka jalo o ne a akgolela Choppies go sekegela tsebe kopo ya mopalamente mme ba tsaya boikarabelo jwa go thusa setshaba. O ne gape a kopa gore ba ba kgonang ba nne ba tswelele ka go thusa ba ba amilweng ke pula. BOKHUTLO society 9 Sojwe o akola mananeo a puso E re le ntswa Sojwe e le mongwe wa metse e e kgakala le ditlamelo, go lemotshega fa mananeo a puso a namolo lehuma a goroga sentle kwa go one. Se se tlhalositswe ke mogokaganyi wa tsa nyeletso lehuma, yo o okametseng kgaolo ya Kweneng bophirima le botlhaba, Rre Gaotlhobogwe Kwelagobe. A re kwa Sojwe go setse go tserwe mananaeo a le lesome a a farologaneng. O ne a bua jaana mo phuthegong ya kgotla kwa Sojwe ka Labotlhano e ne e biditswe ke molaodi wa Kweneng, Dr Themba Mmusi. Maikaelelo a phuthego e, e ne e le go rotloetsa batho go tswelela ba tsaya mananeo. Rre Kwelagobe o ne a tlhalosetsa morafe fa mananeo a a simoloseditswe gore batho ba itshetse ka one le gone go godisa itsholelo ya lefatshe. O rotloeditse morafe go dira ka natla, go tlhokomela dikgwebo tsa bone le go di godisa. O ne a gakolola banni gore ba ikakanyetse, ba dirise mananeo go tokafatsa matshelo a bone, a tlatsa ka go re ba seka ba akanya mananeo a a tshwanang. O file sekai ka go re fa mongwe a tsere lenaneo la go dira kgwebo ya go rekisa dipodi, mongwe ene o ka simolodisa kgwebo ya matlhabelo a dipodi. E re go eme jalo, morafe o ne wa supa ngongorego ya gore ga o thusiwe sentle ke bodiredi jwa puso mme Dr Mmusi o ne a tshwaela fa a tshwenyegile thata ka se, a re o eletsa go ka nna le tshwaragano magare ga kgosi, bodiredi, le morafe. Dr Mmusi a re ke maikemisetso a bodiredi go netefatsa gore morafe o itse ka mananeo a puso. O ne a tlhalosetsa morafe gore fa ba sa thusiwe sentle, ba fetisetse dingongora kwa go ene. Doctor Mmusi o ne gape a tlhalosetsa banni fa Ipelegeng e se phiro e le lenaneo fela la go fokotsa manokonoko a lehuma. A re diofisi tsa boremelelo jwa ditlamelo tsa Sojwe di tshwanetse tsa dirisiwa. A solofetsa gore o tlaa rulaganya gore bodiredi jwa puso go tswa maphateng a a farologaneng gangwe le gape ba etele banni ba Sojwe go ya go ba ruta ka mananeo. Dr Mmusi o kopile Kgosi Tlhabologang Hube go mo itsese ka mananeo otlhe a a dirwang mo motseng, a re go dirwe mokwalo wa one gore a tle a kgone go a sala morago sentle, gore a tsweletse jang le nako e a e beetsweng go fela, e re fa go nna le tiego go bonwe gore tsela pedi go tsewa e fe. Mo bokopanong jo bokhutshwane jwa ga molaodi le komiti ya bodiredi jwa motse, Dr Mmusi o ne a gakolola bogogi gore ke bone ba rweleng maikarabelo a go itsese setshaba ka mananeo. A re ba nne ba rulaganya bokopano ba ikgolagantse le kgosi go nna ba itsese banni ka mananeo, le go sekaseka tse e ka tswang e le dikgoreletsi le gore di ka fenngwa jang. Bokopano jo bo ne bo rulagantswe ke mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Daisy Botsoba, morago ga go lemoga fa banni ba tsaya mananeo mme ba sa dire ka natla mo go one, jalo a kopa molaodi go tla go ba kgothatsa. E re ka Sojwe a le kgakala le Gaborone, go tlhalositswe fa mo nakong e khutshwane go rulagantswe gore ba lephata la Gender Affairs ba etele banni go ba itsese ka mananeo a bone. economy_business_and_finance 3 ‘Temo-thuo kgwebo’ Mookamedi wa tsa theko le thekiso ya dijo kwa kgaolong ya legare, Mme Barulaganye Lebutswe a re balemi ba tshwanetse go tsaya temo-thuo jaaka kgwebo. O buile jaana fa a ne a buisa balemi ba kgaolo ya legare kwa Serowe bosheng kwa letsatsing la thekiso la balemi barui. Mme Lebutswe a re balemi barui ba tshwanetse go itse gore maikalelo a letsatsi leo, ke go tla go itshupa le go rekisa ka tlhwotlhwa tse di lekaneng, go ithuta le go abelana maele e le balemi barui le go atolosa mmaraka wa temo thuo gore ba tle ba kgone go rekisa gongwe le gongwe le go thusiwa gore ba tle ba kgone go phadisana le mafatshe a mangwe. Molalediwa wa tlotla wa letsatsi, Rre Keletso Rakhudu o ne a leboga balemi barui ba ba neng ba tsile le ntswa ba ne ba le boutsana a bo a ba kopa go lemotsha ba ba sa kgonang go tla bomosola jwa letsatsi leo. Rre Rakhudu a re kgwebo e tliwa ke mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore ke yoo mmotlana kana yoo setseng a itshetletse mo mmarakeng. A re e le ba balemi barui ba kopa gore ba thusiwe go ikgolaganya le balemi ba mafatshe a mangwe. A re moono wa letsatsi ke go tlhabolola temo thuo go nna kgwebo a supa fa ba tshwaragane le batsaya karolo botlhe ba ba lebaneng. Rre Rakhudu o kopile balemi barui go sa kgobega marapo mo go se ba se dirang ka e le gone ba simololang mme a ba rotloetsa go ithuta mo bathong ba mafatshe a sele ba ba nnang mo lefatsheng leno jaaka morafe wa se India le wa China ka gore ke batho ba ba dirang ka natla fa ba le mo kgwebong. O kopile gore letsatsi la balemi barui le dirwe kgapetsa kgapetsa le gore ba sekaseke boleng jwa letsatsi leo. Rre Rakhudu a re ba tshwanetse go akaretsa bagwebi botlhe ba ba gwebang ka di tsa bone gore ba dire thulaganyo ya go etela masimo ka bongwe ka bongwe gore ba tle ba kgone go ithuta mo go ba bangwe. Mongwe wa bagwebi ba ba neng ba tsile go supa, Mme Nancy Phiri yo o dirisang dipolaseteke tse di dirisitsweng e le tsela ya go phepafatsa le go itshetsa, a re kgwetlho e a kopanang nayo mo kgwebong ya gagwe ke ya gore batho ga ba reke dilwana tsa gagwe le ntswa a di rekisa ka tlhwotlhwa ee kwa tlase. A re ga a ise a kope thuso mo pusong le fa e le mo dikhamphaneng. Mme Gonthaletse Ratau ene yo e leng moroki o supile fa kgwebo ya gagwe e tsamaya sentle e bile ba khansele ba mo file lefelo le a direlang mo go lone. A re bothata ke ba ba tsisang dilwana kwa go mme ba tseye lebaka go di rekolola kana ba se ke ba di rekolole gotlhelele. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Temo ke teemane ya botshelo Mogolwane mo lephateng la temo Rre Mmoloki Khukhutha o rotloeditse balemi ba kgaolo-potlana ya Letlhakeng go tsaya temo ka tlhoafalo ka jaana temo e le teemane ya botshelo. O buile se jaaka a ne a bula ditshupo tsa temo kwa Letlhakeng bosheng. Rre Khukhutha a re temo ke yone konokono mo go jeseng lefatshe la Botswana le gone go romela thobo kwa mafatsheng a sele go dira letseno go itshetsa. A re ka jalo go mo maruding a balemi ba ba tsayang temo ka natla le mashetla go rurifatsa gore ba ntsha thobo e e ka jesang lefatshe. Rre Khukhutha a re o lebogela tshwaragano e e renang fa gare ba balemi ba kgaolo e mme seo se botlhokwa thata ka go nna motlhofo go rutana le go ithuta mo go babangwe. A re ka jalo setlhogo sa letsatsi leo; Go Rurifatsa gore Dijo di Nna Teng mo Masimong a a Tlwaelesegileng, se maleba ka se gwetlha go dira ka natla mo temong. O ne a kgothatsa balemi gore ba seka ba kgobega marapo, bogolo jang ka mo malatsing a gompieno go le bokete go bona babereki kwa masimong. A re ba ipelege go tlhokomela masimo a bone. Rre Khukhutha a re lephata la gagwe le lone le tlaa dira ka gotlhe go rurifatsa gore ba thusa balemi ka tsotlhe tse ba di tlhokang jaaka dikgakololo le ditsela tsa go tlhabolola temo ya bone. A re ka jalo ba tshwanetse ba bereka thata le balemisi mo kgaolong ya bone ka ba hiretswe go ba thusa mo go tsa temo le gone go ntsha maduo mo temong. O ne a tlatsa ka go re mo nakong e e fetileng ba ne ba dira dilo Setswana ka balemi ba ne ba fiwa menontshane go sa tlhatlhojwa mmu mo tshimong mme seo se bake thobo e e kwa tlasa. Rre Khukhutha a re mo nakong ya gompieno menontshane ga e fiwe molemi a sa tlhatlhoba mmu wa tshimo gore a seka a tloga a senya mmu ka go tsenya se se teng gale mme go bakele dijalo mathata. Le fa go ntse jalo, a re o itumelela disupiwa tsa bone ka e le tsa maemo a ntlha mme o dumela gore jaaka ba tlaa bo ba fetela kwa dikgaisanyong tsa lefatshe lotlhe ba tlaa kgona go bona maemo a a nametsang. A re e re ka jaana kgaolo e e ka kwano e le ya motlhabana, o lebogela balemi go lema dijalo tse di tsamaelanang le motlhaba. Rre Khukhutha a re dinawa, manoko, mabele le tse dingwe di dira sentle mo motlhabeng mme a ba opela diatla go bo ba reetsa dikgakololo tsa balemisi. O ne a ba rotloetsa go tsena mo temong ka mashetla mme ba e dire e le kgwebo ka motho a ka kgona go itshetsa ka yone mme a tshela botshelo jwa maemo a ntlha. Modulasetilo wa komiti ya ditshupo, Rre Moeti Nkgoko a re ba bone go tshwanela go tshwara ditshupo tseo gore balemi ba kgaolo eo ba kgone go isa disupiwa tsa bone kwa ditshupong tse ditona tsa lefatshe. A re gone go se motlhofo go baakanyetsa ditshupo tseo, bogolo jang ka ba sena morotloetsi ntswa ba sa kgobega marapo. Rre Nkgoko o ne a supa fa ba ne ba tshwanetse go koleka P1 000 mongwe le mongwe wa bone mo dikgaolong tsa bone tse di lesome le bone mme batho ba nnile maoto a tshupa go dira jalo. Ka jalo o ne a kgothatsa balemi go rurifatsa gore madi ao a nna teng ka ke one a a ba thusang go baakanyetsa letsatsi la ditshupo. A re le fa go ntse jalo, o lebogela barotloetsi botlhe ba ba nnileng le seabe mo go boneng gore letsatsi leo le a atlega. Rre Nkgopo a re ba atle ba dire dipampiri tsa go kopa madi mme a kopa morafe go ba thusa ka jaana madi ao a le mosola mo go baakanyetseng ditshupo. E rile a kgothatsa balemi ka ene, Rre Osupeng Sebomo a re temo e tshwanetse ya tsewa ka thoafalo ka jaana balemi ba tshwanetse ba jesa lefatshe la Botswana. A re ntle le go thoafalela temo, ba tshwanetse ba dira temo e le kgwebo gore ba kgone go itshetsa ka jaana e na le madi e bile fa molemi a ema ka dinao o ka bona dipoelo tse di bonalang. Rre Sebomo o ne gape a kopa balemi go inaakanya le methale ya temo ya segompieno le gone go dirisana le balemisi go ithuta ka fa ba ka tlhabololang temo ya bone ka teng. A re e re ka Setswana se re mabogo dinku a a thebana, balemi ba tshwanetse ba nna le sebaka sa go ithuta mo go bangwe ka bone ka dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe. Mo kamogelong ya gagwe, Kgosi Tumelo Puleng wa Letlhakeng o ne a supa fa ditshupo di le mosola ka di efa balemi sebaka sa go supa tse ba di lemang. A re paakanyetso ya ditshupo e tshwaraganetswe ke balemi le balemisi gore e atlege mme a re o leboga kemo -nokeng eo mo baleming. Kgosi Puleng a re o tshwenyega thata ka jaana banana ba sa bonale mo ditshupong tseo ntswa e le bone go beilweng mo go bone go isa temo kwa pele. O ne a kopa gore banana ba eitleediwe ka gore itsholelo ya lefatshe e ikaegile ka bone mme e bile ke bone bokamoso jwa lone. economy_business_and_finance 3 Baithuti ba supa kutlwelo botlhoko Baithuti ba sekolo sa Boitekanelo, ba ba neng ba le mo ithutuntshong kwa Masunga ba sa tswa go araba pitso ya Tautona wa lefatshe leno ya gore Batswana ba emane nokeng tebang le go lwantsha lehuma. Baithuti bao ba supile seabe sa bone kgwedi eno e le lesome le borataro jaaka ba ne ba rolela mme mongwe wa motlhoki wa Masunga, Mme Naiko Tshwenyego pompo ya metsi. E ne ya re ba le mo ithutuntshong ya bone ya dikgwedi tse tharo, ya go inaakanya le matshelo le botsogo jwa batho, gammogo le go ruta ka tsa botsogo mo motseng wa Masunga, baithuti bao ba barataro ka palo, ba gwetlhiwa ke go bona seemo sa ga Mme Tshwenyego sa go tlhoka pompo mo lwapeng. Fa a bua kwa tholong ya pompo eo, mongwe wa baithuti, Mme Koziba Meshack a re go tsamaya ba gasa melaetsa ya tsa botsogo le go lemoga letlhoko la batho mo motseng, e ne e le bontlha bongwe jwa dithuto tsa bone jalo a tlhalosa fa e le gone go dirileng gore ba lemoge letlhoko la pompo mo lwapeng leo. Mme Meshack a re ba ne ba thulanya ditlhogo mme ba itlama go mo thusa ka go ikanapa dipata le go tsamaisa dipampiri ba kopa dithebenyana mo morafeng. A re mme phelelong ba ne ba kgona go sala morago ditselana tsotlhe tsa kgokelo ya metsi, go balelwa le go duela P1550 kwa koporaseng ya Water Utilities. O lebogile botlhe ba ba ba emeng nokeng mo go reng ba fitlhelele kwa maikemisetsong a bone, a bo a tshepisa fa ba tla tswelela ba thusa mo dintlheng tsotlhe tsa lefatshe leno ka gotlhe mo ba ka go kgonang go netefatsa gore ba isa lefatshe leno golo gongwe. Mogolwane mo lephateng la botsogo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Matilda Tema o ba akgoletse tiro e ntle e fela thata, a tl;atsa ka gore go supa fa baithuti bao ba tshela Tebelopele ya lefatshe leno ya 2016. Mme Tema a re go bo ba thusitse mongwe yo o tlhokileng lesego mo motseng o ba direlang mo go one, ke sesupo sa gore mo isagong ba tla isa lefatshe leno kwa mankalankaleng. A re mongwe o ka bona tiro eo e le nnyenyane, fela ke tiro e kgolo fela thata ka jaana metsi e le jone botshelo jwa motho. Mongwe wa bagolwane ba lephata la botsogo mo kgaolong, Mme Tshilo Mabophiwa o ne a gakolola Mme Tshwenyego go sola molemo pompo eo, ka go itirela tshingwana ya merogo, e ka yone a ka itshetsang ka yone. Kgosana ya kgotlana ya Mannathoko kwa Masunga, Rre Elijah Mannathoko o iteetse legofi tiro ya baithuti bao, a ba rotloetsa go tswelela ba dira jalo le go dira go feta foo. O gwetlhile Mme Tshwenyego go tlhokomela pompo eo, go akola maungo a yone go ya go ileng. Fa a tswa la gagwe, Mme Tshwenyego o ne a lebogela mpho eo fela thata, a re tlhotlheletso ya mowa wa Modimo ke yone e dirileng gore baithuti bao ba lemoge botlhoki jo a neng a na le jone. A re o ne a kokonelwa ke go tsamaya sekgelenyana go tswa fa lwapeng a ya go gelela metsi kwa lelwapeng la ba losika. BOKHUTLO education 4 Tshwaragano e botlhokwa Ralekgotla wa Ntomalome kwa Molapowabojang, Rre Bushi Ndaba, a re tshwaragano e ka tsisa ditlhabololo mo setshabeng. Rre Ndaba o buile mafoko a kwa kabong dimpho ya kereke ya King Solomon Evangelical ka Matlhatso. Kereke eo e ne ya abela ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng dijo le melora. Rre Ndaba a re setshaba se tshwanetse go ya kwa ngwageng wa 2016 se tlhaloganya gore go diragala eng, a tla a re dikereke di tsenye matlho mo setshabeng di lebe ba ba tshwanetseng go thusiwa. Are ba seka ba thusa batho ka go tlhaola. A re kereke fa e thusa batho ba ba tlhokileng lesego e a bo e dira thato ya Modimo ebile e tshegeditse moono wa puso wa gore Batswaba ba nne chaba e e kutlwelo botlhoko e bile e le lorato mo go ba bangwe. Fa a bua ka maikaelelo a tiro eo modulasetilo wa kereke ya King Solomon Evangelical Mme Kgotlaetsile Ndaba a re kereke ya bone e santse e simologa ka jalo e tlhoka kemonokeng ya setshaba sa Molapowabojang le tikologo. Mme Ndaba a re kereke ya bone e simologile ka ngwaga wa 2013 a tlatsa ka gore ba kereke ba dumela mo kgololong,lorato le kutlwelo botlhoko, a bo a re ditsetlana tse ga di farologane le letshego la tebelopele ya lefatshe leno. Mme Ndaba a re maikaelelo ke go tsisa tsholofelo mo setshabeng ka go ba fa dimpho tseo, mme a tlhalosa fa go le botlhokwa go tsepama mo Modimong a re fa ba ka dira jalo Modimo o tlaa ba utlwa ka a itse diemo tsa bone a ba a ba thusa. Prophet Boitshwarelo Solomon yo e leng ene moeteledipele wa kereke eo, e rile a ntsha lefoko la kgothatso a re o biditse setshaba go ba lemotsha botlhokwa jwa lorato, a re ba bone go tshwanela gore ba itshupe gore ba teng mo Molapowabojang jaaka ba digela ngwaga wa bobedi. Prophet Solomon a re puso e tlhoka gore dikereke di e thuse ka jaana ga e kake ya kgona ka nosi. O tlhalositse fa batho ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ba setse ba e fekeetsa. A re kereke e tshwanetse gonnna sekao ka go tlamela setshaba le go thusa go boloka mewa. A re baruti ba tshwanetse go supa gore Jeso yo ba mo rerang o a tshela, a tlatsa ka gore Modimo ke Modimo yo o kgathalang ka batlhoki. Mokhanselara wa Molapowabojang East Rre Calvin Matlale e rile a ntsha mafoko a malebo a kopela kereke ya King Solomon Evangelical le bogogi jwa yone tshegofatso ,kgolo le katlego ka gore e dira tiro e ntle ya go supa lorato ka go thusa ba ba tlhokileng lesego. Mo go tse dingwe Rre Matlale o ne a lela ka gore motse wa Molapowabojang o mogologolo mme ga o na ditlhabololo. Fa a leboga mongwe wa ba ba abetsweng dimpho Mme Keatametse Ditlhobolo a re o lebogela kereke eo tiro e ba e ba diretseng, mme a ba kopa go tswelela ba thusa setshaba. society 9 Go nna le bakapelo ba le bantsi go diphatsa E rile bosheng maloko a setlhopha sa mmino wa setso sa Tselakgopo, go tswa kwa Serowe ba bolotsa letsholo la go rotloetsa baratani go dirisana le motho a le mongwe ka go na le maduo a a nametsang go fema go tshabelelwa ke kanamo ya malwetse a tlhakanelo dikobo. Go tlhomamisitse jalo molomaganya ditiro wa setlhopha, Rre Warona Ramaribana, fa ba ne ba biditse pitso mo dikgotleng tsa merafhe ya metse ya Moiyabana, Mabuo, Sehunong, Motshegaletau, Thabala, Mogorosi le metse e mabapi ya Serowe. Rre Ramaribana o tlhalositse fa mo ditshekatshekong tsa batho ba ba amilweng ke HIV/AIDS go supagetse fa go nna le bakapelo ba feta bongwe go nnile le thotloetso e tona mo kanamong ya mogare. Ka jalo, a re ba kgathala ka matshelo a Batswana ba lefatshe leno ebile se ele nngwe tsela ya go fitlhelela maikaelelo a tebelopele ya ngwaga wa 2016 ya tshaba e e rutegileng e bile e na le kitso. Rre Ramarbana a re ba bone go le matshwanedi go bolotsa letsholo le go ruta le go lemotsha baratani bo molemo jwa go dirisanya le mokapelo a le mongwe gammogo le go ba tsibosa ka bodiphatsa jwa go nna le baratani ba le bantsi. “Go nna le bakapelo ba le bantsi go na le tshono e ntsi go rotloetsa kanamo ya malwetsi a tlhakanelo dikobo mo barataning ba ba amegang, ka jalo go beye matshelo a bone mo diphatseng” a bua jalo a tlatsa ka go supa fa gape go baka go tlhoka kutlwisisanyo mo malwapeng, selo se a reng se ka feletsa se thuba malwapa. A re go thoka kutlwisisano mo lapeng go baya kgodiso ya bana ka fa mosing, ebile ba ka gola ba na le tenego e feteletseng e ka dirang go re kamoso ba tsoge ba fetlogile bakgokgontshi. Ka jalo a tlhalosa fa go dirisanya le mokapelo a le mongwe go le botlhokwa go aga lelwapa le le tiileng. O ne gape a kgotlhatsa baratani go nna le tshepho mo leratong ka dinako tsotlhe ka a re se se ka ba thusa go itsa tsietso mo malwapeng a bone. “Go tlhoka go nna le tshepho mo mokapelong wa gago go ka feletsa go patleletsa mokapelo o mongwe go nna le bakapelo ka fa thoko” a gatlelela jalo mme a tlhalosa fa go le borai ka go ka tsosa le dikgotlhang mo malwapeng. Le fa go ntse jalo, Rre Ramaribana o ne a gwetlha segolo bogolo banana ka a re ke bone ba ba amegang bobe mo dikgannyeng tsa go nna jaana go iketaya ka thupana go babalela matshelo a bone ka go tsaya kgato e e maleba go itshireletsa mo kanamong ya malwetsi a tlhakanelo dikobo. O bile a gakolola baratani go ya go itlhatlhobela malwetsi a tlhakanelo dikoboka kwa dikokelwaneng tse di gaufi kgotsa ba ka etlela ba Tebelopele go itse seemo sa bone boo babedi. A tlatsa ka go supa fa go itse seemo sa gago le mokapelo wa gago e le tsela e e faphegileng go iphemela le go tswa ka ditlharabololo go kgothatsana fa mongwe a amegile. Le ntswa setlhopha se se tshwaragane le namane e tona go gasa molaetsa o o botlhokwa jaana, ba re ba lela ka letlhoko la kemedi go bodusa tema ya bone go tsibosa Batswana, segolo bogolo ka e le setlhopha se se ikemetseng ka bo nosi. Ba ne ba isa malebo kwa go ba lekalana la botsogo la NACA go bo ba tshwaragane le bone ka go ba rotloetsa ka dithuso tsa madi go tswelela go rera efangedi e. Rre Ramaribana a re fa e sale setlhopha sa bone se gatisiwa semmuso ka fa molaong ka ngwaga wa 2005, se nnile le tokafatso maduo go tsibosa le go ruta ka tsa kanamo ya mogare wa HIV/AIDS. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Botsogo, boitekanelo di ya thoteng di bapile Ngaka ya dijo kwakokelong ya Tsabong, Dr Moseja Dibotelo o rotloeditse badiri ba lephata la merero ya setshaba, boagedi le tsa bong go ja dijo tse di siametseng mebele ka se se ka thusa mo go tsheleng ba itekanetse ka dinako tsotlhe. O ne a bua kwa letsatsing la botsogo le boitekanelo le le neng le rulagantswe ke ba lephata leo bosheng. Dr Dibotelo a re go botlhokwa go fokotsa go ja dijo tse di nang le mahura a mantsi, letswai le sukiri mme segolo ba je merogo, maungo le dijo tse di nang le moroko ka e le tsone tse di siametseng go aga mmele le go o sireletsa mo malwetseng. A re dijo tse di ka baka malwetse a a borai a akaretsa jwa sukiri, pelo, madi a matona, monono o o feteletseng, go swa mhama le a mangwe. O ne a rotloetsa batsaya karolo go itlhatlhobela malwetse ka go le mosola mo go itseng botsogo jwa bone mme ba ka itseela dikgato tse di maleba nako e sa ntse e le teng. Rre Dibotelo o ne a gakolola badiri gore go botoka go ipakela dijo fa ba ya ditirong go na le go reka kwa marekisetsong ka ba ka lekanyetsa le go tshwakanya ka fa go tshwanetseng ka teng. A re e re ka jaana Kgalagadi a tshabelelwa ke mogote, go botlhokwa go nwa metsi a mantsi, bogolo selekanyo sa dilithara tse pedi ka letsatsi. Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo, modulasetilo wa komiti ya botsogo le boitekanelo mo Tsabong, Mme Gaone Gababoloke o tlhalositse fa e ne e le la ntlha ba tshwara letsatsi leo mme moono mogolo e le go simolodisa itshidilo ya badiri ka seo se ka thusa thata mo tokafatsong ya maduo a a eletsegang mo ditirong. Mme Gababoloke o ne a gakolola badiri ka ene fa setlhogo sa letsatsi leo se se reng Botsogo Pele se rotloetsa go itshidila mmele ka fa go tshwanetseng ka teng, a kaya fa mmele o tshwanetse go tsoga sentle le go sidilwa letsatsi le letsatsi. A re fa badirelapuso ba ka inaakanya le go itshidila mmele go ka ba nonotsha tlhaloganyo, maikutlo le mmele. Moruthuntshi wa tsa itshidilo mo Tsabong, Rre Steyn Kefaletse o boletse fa go tlhoka go itshidila sentle go na le ditlamorago tse di ka felelang di ama tiro ka go tlhoka go bereka ka fa go tshwanetseng ka teng. E re ka jaana botsogo le boitekanelo e le di ya thoteng di bapile, Rre Kefaletse o ne a fa sekai gore go bo koloi e na le lenaneo la go tlhatlhojwa morago ga lobaka lo lo rileng maikaelelo e le go bona gore a e itekanetse go dira ditiro. Rre Kefaletse o gwetlhile ba ba neng ba tsene moletlo wa letsatsi leo le setshaba ka kakaretso go ema ka dinao le gone go tsaya boikarabelo mo go tlhomamiseng gore ba tseela kwa godimo botsogo jwa bone ka go tila go tsenwa ke malwetse a ba neng ba ka a fema fa ba itshidila. A re gape go itshidila mmele ba tlhoafetse go ka thusa badiri go laola go kgoberega ga maikutlo go tshwana le letlhoko la madi le tse dingwe. O kaile fa go le mosola mo go thuseng setshaba ka maatlametlo le gone go ntsha maduo a a eletsegang mo ditirong. Mo letsatsing leo ba lephata la botsogo ba ne ba tlhatlhobela badiri malwetse a a farologanyeng a tshwana le madi a matona, sukiri, monono le HIV. Ba botsogo ba ne gape ba ruta, ba gakolola le go tlhalosetsa badiri go etela kwa dikokelong go ya go dira loaro lwa borre lo lo babalesegileng, go rotloetsa bomme go itlhatlhobela kankere ya molomo wa popelo. BOKHUTLO health 6 Batlholagadi ba a ikuela Batlholagadi ba tshwentswe ke go kgaphelwa ntle mo ditirong tsa Setswana, bogolo thata mo mererong ya lenyalo. Mme Vivian Masibe o buile jalo mo phuthegong ya bomme bosheng mo kgotleng kwa Kanye gore go le gantsi fa rre a sena go hulara, mme o tsena mo kalafing ya lobaka lwa ngwaga. A re fa mme a sena go apola o bolelelwa gore o siame o ka dira tiro nngwe le nngwe, selo se a reng ga se diragale fa go tla mo mererong ya lenyalo. Mme Masibe o boletse fa go atile malatsi ano go rontsha motlholagadi tshwanelo ya gagwe ya go laya mo lenyalong hela ka ntata ya gore o tlhokafaletswe ke monna. Fa a tswa la gagwe, Mme Morwadi Ditlhotlhole o tlhalositse fa go le botlhokwa gore setshaba se lemoge fa go tlhokafalelwa ke molekane ga mme e se tlhalo, ka jalo mme wa go nna jalo a na le tshwanelo yotlhe ya go dira ditiro tsotlhe tsa thulaganyo ya lenyalo tse di akaretsang le go laya. Mme Ditlhotlhole a re fa mme yo o tlhokafaletsweng ke rre ba le mo thulaganyong ya lenyalo boora mosimane ba tshwanetse go sala ba tsweledisa thulaganyo ya tseo. A re bomme ba Bangwaketse go botlhokwa gore ba ipatlisise go somarela ngwao. Fa a tswa la gagwe, Mme Ofentse Matlale o ne a kopa gore molao mongwe le mongwe o kwalwe ka o dirisiwa go goga batho. O ne a supa matshwenyego ka bomme ba ba tlang manyalong ba sa apara sentle, selo se a reng se kgatlhanong le tsamaiso ya Setswana ya manyalo. Mme Matlale o kopile batsadi go bua le bana kwa malwapeng le go ba ruta gore go aparwa jang. BOKHUTLO society 9 Mosanako o akgola babereki Modulasetilo wa khansele potlana ya Moshupa, Rre Lentswe Mosanako, o akgotse babereki ba khansele potlana eo go dira tiro ka manontlhotlho. O buile jalo kwa moletlong wa go abela babereki dikgele ka go ba leboga ka fa ba berekang ka teng mo Moshupa. A re kgwetlho e ba nang le yone ke ya bonno jwa babereki ka ba bangwe ba theogela ba tswa kwa dikgaolwaneng tse di gaufi le Moshupa. Mokwaledi wa khansele potlana, Rre Isaiah Odirile, o boleletse batsei ba dikgele gore go tsaya dikgele ke go ba leboga le go ba tiisa moko gore ba tswelele ka go dira bonatla. A re babereki ba ba berekelang mo khanseleng ba makgolo a mararo masome a mabedi le borataro (326), mme ba ba abetsweng dietsele ngogola ba ne ba le masome a mararo le bosupa (37), fa monongwaga ba oketsegile, ba le masome a borataro (60). A re koketsego e e supa fa ba tshwere ka natla mo tirong le go ntsha maduo. Mokwaledi mogolo wa khansele ya borwa, Rre Mompati Seleka, a re go fa babereki dikgele ga se go ba duela mme ke go ba leboga. A re puso e dirile ditshekatsheko mo ditirong mme e bone fa babereki ka bontsi e le ba ba tswang kwa mafatseng a sele, a re babereki ba mono gae ba bereke ka bonatla le botshwerere go ntsha maduo mo tirong ya setshaba. O gakolotse babereki gore ba ntshe dikgwetlho tse ba nang le tsone mo tirong, gore ba kgone go thusiwa ka bofefo, le bone ba tle ba tiise moko go isa ditlamelo ka bonako kwa bathong. Rre Seleka o itumelela tirisanyo le therisanyo ya badiredi ba maphata a mangwe a a direlang setshaba mo khanseleng ya borwa. A re maphata a nne a nna le bokopano, go buisang ka tse ba ka tokafatsang ditiro tsa setshaba ka tsone le gore ba ka ntsa maduo jang. BOKHUTLO politics 7 Lenaneo la go tlhatswa metsi le tsweletse Bomme, ba khamphani ya Azit Still ater ba tlhalositse fa thulaganyo ya nyeletso lehuma ya go tlhatswa metsi ba bo ba a rekisetsa sehaba e tsamaya sentle. Mo potsolosong, Mogolwane wa Azit Still Water, Mme Onkokame Podisi o tlhalositse fa kgwebo e, e simologile ka 2015, ba thusiwa ke ofisi ya nyeletso lehuma kJwaneng. O tlhalositse fa ofisi e ne ya ba rekela metshine e e tlhatswang metsi le o o tswalang mabotlolo 2015. Mme Podisi o buile gore e re ka toropo ya Jwaneng e na le metsi a a letswai, bomme ba le bararo ba ne ba ikopanya mme ba batla kgwebo ya go tlhatswa metsi go re ba tle ba thuse setshaba ka metsi a a monate a a monate. E rile a tlhalosa ka kgwebo, Mme Podisi a re mo kgwebong ya bone ba rekisetsa batho metsi mo dikupung tse ba tlang ka tsone le go rekisetsa mabentlele. O tlhalosa fa ba ipapatsa mo dikhamphaning, khansele le maphata a puso. O tlhalositse fa kgwebo e ba thusa thata mo ba kgonneng go e godisa ka go reka motshine wa dipampiri, setsidifatsi le laptop e e ba thusang go kwala le go baya tsotlhe tse di botlhokwa tsa kgwebo. Mme Podisi a re dikgwetlho tsa kgwebo ga se tse di tshwenyang thata ka ba leka go dira ka natla go di falola. O buile fa tirisanyo mmogo le go buisana le bareki sentle go le botlhokwa ka e le bone ba godisang kgwebo. O tlhalositse fa botho, lorato le go bereka ka natla go na le seabe mo go godiseng kgwebo A re ba tlaa ikopanya le ofisi ya banana go kopa madi a ba ka rekang didirisiwa tse dingwe tse di ka tlhonolofatsang kgwebo ya bone go ya pele. O buile fa maikaelelo a bone e le go godisa kgwebo mo ba tlaa felelang ba dira dikgapetlana tse di tsidifatsang dinotsididi go di rekisetsa batho le go rekisetsa ba mediro. A re maikaelelo a bone ke go bona metsi a bone a rekisiwa lefatshe ka bophara. “Toro e nngwe ya rona ke go bona kgwebo e godile mo re ka felelang re hira bangwe ba banana ba Jwaneng,” Mme Podisi a tlhalosa. Mme Podisi o gakolotse banana gore ba seka ba ikaega fela ka gore letlhoko la ditiro le lentsi mme ba itebaganye le go itshimololela dikgwebo tse dipotlana. O gakolotse ba ba eletsang go simolola dikgwebo gore ba seka ba nna le boitlhobogo fa kgwebo e sa tsamaye sentle, ka jalo ba tsenye bopelotelele gore kgwebo e atlege. O lebogetse kemo nokeng ya banni ba Jwaneng ba ba itumelelanng go bo ba tsile ka kgwebo ya go tlhotlha metsi letshwai. ENDS economy_business_and_finance 3 Thuto kgetsi ya tsie Mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Matsaakgang kwa Kanye, Rre Seetleetso Moroka, o kopile batsadi go tshwaraganela thuto le barutabana. Fa a bua mo potsolotsong le bosheng, Rre Moroka o tlhalositse gore baithuti ba ka ntsha maduo a a nametsang mo thutong fa batsadi ba kgatlhegela dibuka tsa bana ba bone ka go sala morago se ba se dirang. A re sekole se sebotlana sa Matsaakang ke sengwe sa dikole tse di tseelang thuto kwa godimo ebile se balelwa mo dikoleng tse tlhano tse di gaisitseng kwa Kanye mo go tse di masome a mabedi le botlhano mo kgaolong potlana eno. Rre Moroka o ne a opela barutabana ba sekole seo diatla ka ba dira ka botshwerere gore bana ba kgone go ntsha maduo mo dithutong, a kaya fa go dira jalo e le gone go godisa thuto le go ntsha maduo mo tirong. Mogokgo gape o lebogetse gore dikhamphani dingwe tse di ikemetseng di bo di supile lerato ka go abela sekole seo dithuso tse di farologaneng, segolo jang dimpho tse di filweng baithuti ba ba gaisitseng ba bangwe. A re go dira jalo ke go rotloetsa bana gore ba tseye thuto ya bone ka tlhwaafalo. Rre Moroka o ne a tlhalosa fa ba tlhamile ditlhopha tsa baithuti tsa mo mosong le motshegare tse di itebagantseng le go bala le go dira dikarolwana tse ba di filweng ka dinako tsa thuto, go di dira ba le setlhopha gore ba ba sa tlhaloganyeng ba thusane botoka. Mogokgo are go botlhokwa gore batsadi ba tsene diphuthego tsa batsadi le barutabana go tla go buisana ka tse di amang thutong ya bana ba bone. A re go botlhokwa gore baithuti ba gakololwe kwa lwapeng gore ba itse gore konokono ya thuto ke go bala. Mme gape a re sekole se ntsha maduo le mo go tsa metshameko, a ba a supa fa bana bangwe ba le bane ba sekole seo ba kile ba ya go emela sekole seo kwa dikgaisanong tsa bosechaba tsa mabelo. Mo go tse dingwe, Rre Moroka o kopile baithuti gore ba tlogele mekgwa e e maswe mme ba lebagane le thuto fela ka ke yone e ka tsogang e ba tlhofofaletsang botshelo. O gateletse gore ba inaakanye le go bala lefoko la Modimo, a tlhalosa fa e le lone le ka ba bontshang tsela e e siameng le go ba bontsha lesedi la botshelo. BOKHUTLO education 4 Tsenyang letsogo mo thutong ya bana Banni ba Poloka ba kopilwe go nonotsha isago ya bana ka go tsenya letsogo mo go utlwalang mo thutong le kgodiso ya bone. Mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele a re batsadi ba tshwanetse go kaela bana tsela ya boammaaruri gore ba itshware ka mokgwa o o letlelesegang mo setshabeng. O buile jaana mo phuthegong ya kgotla bosheng. A re go lemotshega fa batsadi ba na le seabe mo boitshwarong jwa bana jo bo hapogileng. Rre Makgalemele a re go a tshwenya go bona bana ba sa tsibogele go sutela bagolo mo ditilong tsa dipalamo tsa setshaba, ba supa fa ba na le tshwanelo ya go huba maoto ka le bone ba a bo ba duetse, selo se a reng se supa fa mekgwa le tsamaiso tsa Setswana tse di bopagnayang tshaba di nyelela. O gateletse gore ke nako ya gore batsadi ba itshekatsheke mme ba eme ka dinao go kaela bana tsela ya boammaaruri ka go ba ruta tlotlo. Rre Makgalemele a re batsadi ba tshwaragane le barutabana go godisa bana sentle le go ba kgothatsa go ithuta ba tiisitse. O kopile batsadi go itlwaetsa go nna ba etela dikole kgapetsakgapetsa gore ba kgone go itse ka fa bana ba dirang ka teng. Mme Gaongalelwe Bamookile o ne a dumelana le mafoko a ga mopalamente a re ke boammaaruri gore batsadi ba tshwanetse ba tsaya karolo e kgolo mo kgodisong le thuto ya bana. Mme Bamookile o supile fa e le boammaaruri gore thuto ke lesedi, a tlatsa ka go re bagolo ba ba neng ba sa itewa seatla ka bonyana ba bonye lesedi morago ga go tsena sekole ka lenaneo la thuto ga e golelwe. Ka go twe lore lo ojwa lo sale metsi, Mme Bamookile a re o dumela gore thuto e ka thusa go godisa bana sentle. A re go botlhokwa go batlisisa tse di kgoreletsang bana go ntsha maduo. Rre Tapologo Boitumelo wa Poloka gape e le motsadi wa ngwana yo o tsenang kwa sekoleng se segolwane sa Mokgalo o ne a itela ka seemo se se sa jeseng diwelang sa bonno jwa bana kwa sekoleng seo. O supile gore seemo sa itshireletso se a tshwenya kwa Mokgalo ka gore bana ba robala mo matlong a a senang dipati ga mmogo le digalase tsa matlhabaphefo. O supile botlhokwa jwa go aga sekole se segolwane mo kgaolong ya bone gore bana ba kgone go nna gaufi le batsadi, a tlatsa ka go re seemo seo se tlaa fa batsadi sebaka sa go nna le seabe se se nonofileng mo thutong ya bana. A re seemo sa mo nakong eno se na le seabe mo go weleng tlase ga maduo a baithuti. Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Poloka, Rre Kgokonyane Kgokonyane o supile fa e le boammaruri maduo a bana a sa itumedise. Rre Kgokonyane a re batsadi ba e santseng e le banana ba maoto a tshupa go tsenelela dikgang tsa thuto tse di amang bana ba bone. O supile gape gore sekole se tlhaelelwa ke bodiredi. A re bana bangwe fa ba filwe tiro ya sekole go e direla kwa malwapeng ba boa ba sa dira sepe, ka jalo seo se papamatse fa batsadi ba sena seabe. O supile fa batsadi bangwe ba sa dumalane le gore bana ba ba sa direng sentle ba ka boelela mophato, ntswa e le tsela nngwe ya go suga ngwana gore a kgone go tlhaloganya se a se rutwang. Morago ga go reetsa dikakgelo tsa morafe, Rre Makgalemele o kopile batsadi go ititaya ka thupana le go dirisana sentle le bogogi jwa sekole ka e le bone ba itseng se se siametseng bana. O kgadile a sa kgwe mathe batsadi ba ba ganang gore bana ba boelele mophato fa maduo a bone a sa kgotsofatse. A re ba lomeletsa bana ba bone sebaka sa go ka dira sentle mo thutong. A re go boeletsa ngwana mophato ga go dirwe ka maikaelelo ape a go mo sotla kana go mo tlontlolola. society 9 Modipane o aga leobo la kgotla Banni ba Modipane mo kgaolong ya Kgatleng ba tshwaragane le namane e tona ya go aga leobo la kgotla ya motse wa bone. Mo puisanong bosheng, Kgosi Ishmael Mokalake, o tlhalositse fa ka ngwaga wa 2014, banni ba Modipane ba ne ba dumelana gore ba ikagele leobo la kgotla go fa kgotla eo seriti. Kgosi o ne a tlhalosa gore ba ne ba nna le moletlo o o neng wa bulela tshimolodiso ya go aga leobo la bone ka Hirikgong monongwaga a supa fa a ne a kopana le morafe wa gagwe go tla ka maano a go kgobokanya madi. “Re tlhaloganya gore puso ga e na madi ebile ka gotwe mokoduwe go tsosiwa o o itekang, re le morafe re ne ra dumelana gore mongwe le mongwe yo o kgonang a thuse ka se a nang le sone,” ga tlhalosa Kgosi Mokalake. A re gape ba dumelane e le morafe gore mongwe le mongwe mo motseng wa bone a koleke P100 e le tsela ya go kokoanya madi go feleletsa leobo la bone. Kgosi Mokalake o tlhalositse fa khansele e ne ya ba thusa ka batshwantshi ba leobo, a tlatsa ka gore batho bao ba ne ba dira tiro e ntle fela thata. Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa go ne ga nna le dikhamphani tse di neng tsa itlama go thusa ka kago ya leobo a tlatsa ka gore marekisetso a Easy Hardware a ne a thusa ka didirisiwa tsa kago tse di lopileng dikete tse tlhano tsa dipula fa Marvel Hardware yone e ne ya thusa ka disamente. Kgosi Mokalake a re kereke ya Big Home Ministries yone e ne ya thusa ka go reka ditena tse dinnye di le dikete tse di robang bobedi, mme American Chemical Solutions yone ya thusa ka go ntsha dino tsididi tse di neng tsa nowa kwa moletlong wa go bulela kago ya leobo leo. Kgosi a re banni ba ne ba ithaopa go aga leobo ntle le dituelo dipe a tlatsa ka gore ba ne ba aga ka botswerere le bonokopila. A re le gompieno ba supile kgatlhego ya go thusa go feleletsa kago ya leobo ka ba nna ba tlhola gore a didirisiwa di teng go tla go tsweledisa kago. O tlhalositse fa kago ya leobo e sa ntse e eme ka ba sena ditsompelo tsa go tsweledisa kago a supa fa ba tlhoka ditena, dikota le bojang jo bo rulelang. Kgosi o tladitse ka gore morafe o amogela thuso epe fela e Batswana ba ka e ba fang go feleletsa kago. A re ba ikaelela go dira sefikantswe se se tlaa kwalwang maina a botlhe ba ba tlaa tsayang karolo mo go ageng leobo. BOKHUTLO society 9 Tona o kgothatsa baeteledipele ba baithuti Lephata la thuto le tlhabololo dikitso le lemoga seabe sa dikole tsa ithutelo ditiro mo go itebaganyeng le dikgwetlho tse setshaba se kopanang le tsone. E rile a bua mo phuthegong e e itebagantseng le boeteledipele jwa baithuti ba dikole tsa ithutelo ditiro bosheng, mothusa tona wa lephata leo, Rre Keletso Rakhudu a tlhalosa fa lephata le ka seke la kgona go lebagana le dikgwetlho tsa baithuti le le nosi mme ba na le seabe ba ba akaretsang baeteledipele ba baithuti e le bangwe ba ba botlhokwa mo ntlheng e. Rre Rakhudu a re ba tlhoka seabe sa bone gore ba tlhomamise gore baithuti ba fiwa tlhokomelo gammogo le go thusiwa mo go tshwanetseng fa ba le mo dikoleng. Tona gape o galaleditse Ba Isago University College ka seabe sa bone se a reng se botlhokwa ka se ka kgona go dira gore setshaba se kgone go fitlhelela tebelopele ya lefatshe leno ya 2016, segolo jang fa go lebilwe letshego le le itebagantseng le setshaba se se nang le kitso e bile se rutegile. Phuthego e ne e rulagantswe ke Ba Isago University College ka fa tlase ga setlhogo se se reng ‘Identifying student leadership as critical component of the higher education transformation agenda’. Phuthego e ne e itebagantse le baeteledipele ba baithuti ba dikole tsa ithutelo ditiro ka maikaelelo a go lemoga dikgwetlho tse di ba lebaneng. Dr Roshen Kishun go tswa kwa Ba Isago University College a re phuthego e e diretswe go sekaseka gore a boeteledipele jwa baithuti ba dikole tse bo dira go lekane go thusa baithuti. O tsweletse a re boeteledipele bo tshwanetse go itebaganya le go tlhabolola dikitso tsa babereki ka jalo a re baeteledipele ba baithuti ba tshwanetse go netefatsa gore phetogo e nna teng gore go tlhabolola dikitso tsa babereki go a diragala. O supile fa baithuti ba lebanwe ke kgwetlho ya go bopa lefatshe ka jalo boeteledi jwa bone bo tshwanetse jwa lemogiwa jwa ba jwa tsholediwa. Mookamela Innolead Consulting and X-pert Group, Rre Oabona Kgengwenyane a re boeteledipele jwa baithuti bo botlhokwa mo go atlegeng ga baithuti morago ga dithuto tsa bone. A re baithuti ba tshwanetse go ntsha mafatlha a bone ba sa tshabe go kgopakgopediwa. O ba rotloeditse go tlogela go ikaega ka puso mme ba tle ka ditsela tse ba ka dirang dikgwebo ka tsone go tsholetsa itsholelo ya lefatshe. Baeteledipele ba baithuti ba ne ba nna le sebaka sa go akgela mo dintlheng tse di farologaneng tse ba di beilweng pele. Bokhutlo education 4 Go itse mebala ya motho mo tirong go 
botlhokwa E ne
ya re bosheng ba ofisi ya ga Tautona ba e leng batlhatlheledi ba dithuto tse di
ka ntshang maduo mo tirong ba tshwara dithuto puisano le badiri ba lephata la 
dikitsiso le kgaso maikaelelo e le go ba ruta ka botlhokwa jwa go itse go
 dirisana sentle le badiri ka bone ga mmogo le setshaba. Thutopuisano eo e ne e
tshwerwe kwa Selebi Phikwe kwa oteleng ya Stone House. Fa a bua bangwe ba bagolwane
go tswa kwa ofising ya ga Tautona, Mme Nurse Magwadi le Mme Goabaone Seabo ba
re go itse motho fa o dira le ene segolojang mo tirong go botlhokwa ka go ka
thibela dikgotlhang. O supile fa motho yo o mmala
o motala jwa letlhare a dira tiro a lebile molao maikakelelo e le go tlhomamisa
gore o setse molao morago, yo o mmala o gouta a dira dipatisiso pele fa a dira
tiro ya gagwe fa yo o mmala wa namune a dira tiro ka bofafalele ebile a sa dira
dipatlisiso,fa wa mmala wa botala jwa loapi (blue) e le motho yo o ratang
kagiso ka dinako tsotlhe ebile a le kutlwelo botlhoko. Mme Seabo a re go itse ka
mebala e go neela modirelapuso sebaka sa go ka tsaya ditshwetso tse di siameng
fa ba dira le setshaba le badiri ka bone. Bangwe ba batsena
thutosekadipuisano ba ne ba re thuto e ba rutile go le gontsi bogolo jang go
dira le setshaba le badiri ka bone go ntsha maduo a a isang lefatshe leno kwa
godimo le ka bokgabane. ebile ba le kutlwelo bothoko. Batsena thutopuisano ba ne ba
tswa Bobonong le Selebi Phikwe e le ba maphata a dikitsiso le kgaso. BOKHUTLO education 4 Ba rotloediwa go itshwara sentle Baithuti ba lekwalo la bosupa ba sekole se se botlana sa Gobuamang Memorial kwa Thamaga ba rotloeditswe go itshwara ka botho jo bo letlelesegang fa ba aloga ba ya kwa dikoleng tse dikgolwane. E rile fa a gakolola baithuti, morutabana wa tsa bogakolodi wa sekole se segolwane sa Thamaga Rre Boitumelo Keinyatse a tlhalosa fa baithuti ka bontsi ba fetoga fa ba tsena kwa dikoleng tse dikgolwane mme ba simolole go itshwara ka maitsholo a sa siamang, selo se a reng se tshwenya fela thata. Rre Keinyatse a re melao e baithuti ba ba e dirisang mo dikoleng tse dipotlana e ntse ke yone e ba tlaa e fitlhelang kwa go tse dikgolwane. Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa botshelo jwa sekole se segolwane bo le pharologanyo thata le jwa sekole se sebotlana ka jaana go na le dikgwetlho di le dintsi, mme a ba kgothatsa go ikitaya ka thupana. E rile a ema baithuti ka lefoko, seopedi sa mono gae Ted Phaphane, yo o tlwaelesegileng ka leina la Ozi F Teddy, o ne a kgothatsa baithuti go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo ba bo ba supe lerato mo go se ba se dirang. O ne a tlhalosa gore go somarela nako go botlhokwa fela thata e bile go ka thusa moithuti go dira sentle mo dithutong tsa gagwe. O ne a gakolola baithuti go ikgapha mo monateng ka ba sa le babotlana mme e bile ba na le nako e ntsi fela thata mo botshelong. O ne a tlhalosa gore go ikgapha mo dilong tse di sa siamang ke yone fela tsela ya go ka kgona go dira sentle mo dithutong. Mooki go tswa kwa kokelwaneng ya Thamaga Rre Elisha Mbata, o ne a kgothatsa baithuti go baya Modimo pele mo sengweng le sengwe se ba se dirang. O ne a tlhalosa gore, go le gantsi baithuti ba basetsana ba felela ba ima e le gone ba simololang kwa dikoleng tse dikgolwane, selo se a reng se dirwa ke go ikgatholosa kitso le dikgakololo. O ne a rotloetsa baithuti go tswa mo go tsa marato mme ba inaakanye le dithuto tsa bone. O ne a tswelela a ba kgothatsa go bega dikgang dipe tse di ka tswang di amana le go phorwaphorwa. A tlhalosa fa ba itemogetse fa baithuti ba sa bege dikgang tsa mohuta o mme ba tla go lemoga fela fa ngwana a setse a imile. education 4 Chimhandamba o bona maduo E re ntswa dikgwebo tsa banana di tshabelelwa ke go phutlhama, Mme Kgomotsego Chimhandamba ene o kgonne go fitlhelela ditoro tsa gagwe tsa go nna mmadikgwebo le ntswa dikgwetlho di ne di mo farafarile. Mme Chimhandamba, yo o dingwaga di masome mararo le botlhano, wa Palapye, o ne a eleditse go nna mooki fa a gola, ka maswabi ntateng ya bolwetse a retelelwa ke go kwala ditlhatlhobo tsa mophato wa botlhano kwa Lotsane. O ne a seka a ineela mo botshelong, ka jaana gompieno e le mogwebi wa popota, a roka dithoto di akaretsa diaparo, diphate, mealo ya malao gammogo le ditilo tsa matobetobe. Mo potsolosong le “E rile go lemoga gore toro ya me ya go nna mooki e padile, ka inaakanya le tiro ya diatla ya go roka, ke rotloediwa ke mme, yo le ene a neng a rata go roka mme a go dira e le tiro ya nakwana. “Ke ne ka ithuta methale yotlhe ya go roka mme ka felela ke thapiwa ke ba Golden Path Creations mo Palapye, kwa ke berekileng teng lebaka la ngwaga fela, mme ka tlogela ka mabaka a keletso ya go itshimololela kgwebo ya me,” ga tlhalosa Mme Chimhandamba. Monana yo o ititeileng sehuba yo o supa fa a ne a fudugela kwa Lerala, kwa go neng go direla monna wa gagwe, mme a dira ditiro tsa nakwana ka lebakanyana, a tla a ithaopa mme tiro ya bofelo ya mo duela P70 yo a neng a mo dirisa go reka ditlhale di le lesome le sekere, a bo a adima motshine o o rokang kwa go mmagwe go ka itshimololela kgwebo. A re ka thata ya Modimo ditebego tsa dithoto tse a di dirileng tsa mmapatsa, mme kgwebo ya simolola go tokafala go fitlhelela a kgona go ithekela metshine e metona le tsotlhe tse di tlhokafalang go dira kgwebo ya thoko. Ka nako eno, Mme Chimhandamba o direla kgwebo mo ntlong ya gagwe, mme a supa fa gompieno a setse a kgonne go reka setsha sa kgwebo ka dipoelo, e bile a agile gone kwa Lerala, gammogo le go reka lefatshe le le tona le a reng o eletsa go aga mmolo teng, o o tlaa akaretsang marekisetso a leokwane. A re kgwebo e e kwadisitsweng ka maina a Ramisto Manufacturing, e simolotse go thapa badiri ka 2014, fa tiro e ntse e oketsega, mme jaanong o na le ba le bane. “Le fa ke ise ke adime madi ape go ka thusa kgwebo ya me, ke itumelela gore letseno le teng ka jaana ke kgonne go bula marekisetso a dithoto tsa ntlo le fa ke roka ditilo tsa matobetobe fela, mme dithoto tse dingwe ke di reka kwa Afrika Borwa,” ga rialo Mme Chimhandamba. O supile fa a na le keletso ya go adima madi mo pusong, go atolosa madirelo a gagwe bogolo jang go ka aga mmolo. Jaaka dikgwebo tsotlhe, Ramisto Manufacturing e raletse dikgwetlho di akaretsa letlhoko la badiri ba ba nang le dikitso tse di tseneletseng. O tlhalosa gore fa a seyo mo madirelong, tiro e a ema ka jaana ba tlhoka go thusiwa. A re kgwetlho e nngwe ke gore batho ba sa ntse ba ganelela go reka kwa ditoropong, le fa batho ba motse le ba ba tswang kwa Afrika Borwa ba mo rotloetsa. A re bontsi jwa bareki ba gagwe ke bana ba dikole le ba manyalo. Mme Chimhandamba o supile fa a reka didirisiwa kgakala kwa Afrika Borwa. Fa a gakolola banana, a re ba tshwanetse ba itse gore khumo ga e tle gone foo, mme e tlhoka bopelotelele. A re le mo bogompienong, o ikamogedisa madi a a kwa tlase ga babereki ba gagwe. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Bagodi ba abetswe dijo E rile bosheng The Village Church kwa Maun ya abela bagodi ba le masome a matlhano le botlhano dijo, dilo tse di tlhapang le go ba direla dijo tsa keresemose. Fa a bua kwa moletlong o o tshwarwang ngwaga le ngwaga, Moruti Gary Pelotshweu a re dimpho tseo di tswa kwa malokong a kereke eo go supa lerato la Modimo. A re kereke eo, e na le dingwaga di le masome a mabedi le borataro e le mo lefatsheng leno mme e ntse e tsweletse ka go thusa ka mowa o le mongwe fela. O boletse fa mo ngwageng o o fetileng, ba agetse mogolo mongwe ntlo mme ba setse ba amogetse dipego tsa gore batho bangwe ba senya ntlo eo. Moruti Pelotshweu a re fa tshenyo ya go nna jalo e ka tswelela e tla a ba kgoba marapo mo go direleng bagolo ba go nna jalo. A re bangwe ba ka tswa ba itse batho ba ba dirang jalo mme a re ke mowa fela o o sa siamang. Moruti Benjamin Makwaza a re nako ya keresemose ke ya go abelana dimpho ka jalo ba bone go le botlhokwa gore ba kgaogane le ba bangwe se ba se tshwereng. A re mme kana go aba go tshwanetse ga nna le yo o amogelang jaaka fela go boletswe gore go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang. Fa a ntsha malebo, kgosana ya kgotla eo, Rre Ditsiane Diramoka o akgotse kereke eo le mokgatlho wa yone wa Love Botswana a tlhalosa gore fa e sale ba simolola go direla mo kgotleng ya Boronyana ba ba thusitse ka dilo di le dintsi fela thata. O bile a ba kopa gore ba tswelele ka mowa o montle oo ka a re ke one o o ka supang se tota ba leng sone mo setshabeng. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolwana eo, Mme Gabanathuso Olebogeng o ba kopile go tswelela ba dira tiro e ntle eo, a ba a tlhalosa gore ga se batho botlhe ba ba kgonang go thusa bagodi le fa e le batsadi ba bone. Kereke eo e ile gape ya abela bana ba feta makgolo a mabedi dimpho tsa keresemose. society 9 Kgosi o rotloetsa banni go tsaya mananeo ka tlhoafalo Kgosi wa kgotlana ya Molosiwa mo Mosweu, Rre Commet Baitlhapi o kgadile mokgwa wa banni ba motse oo wa go sa tseyeng mananeo a nyeletso lehuma ka tlhoafalo. Rre Baitlhapi o boletse mo potsolotsong le BOPA bosheng fa a lemogile fa bontsi jwa banni ba tsaya mananeo a ba ise ba ithulaganye gore ba batla go dira eng le gore ba ya go dira jang gore ba bone dipoelo. A re dipalo di supa fa banana ba motse ba amule go le gontsi mo lenaneong la nyeletso lehuma, sebe sa phiri e nne gore ga ba a tshwarelela mo go tse ba di filweng gore ba tle ba inamole mo lehumeng. O ne a kaya fa bontsi bo boetse kwa go berekeng mo Ipelegeng ntswa ba ne ba filwe tsotlhe tse ba neng ba ka di dirisa go itshimololela dikgwebo, mme e re morago ba thape bangwe ka bone. Rre Baitlhapi o file sekai ka lenaneo la go apaya borotho, a re le ka bo le tswetse banni mosola ka ba dimausu ba reka borotho kwa ntle ga motse. O ne a tlhalosa gape gore dimausu le ditshingwana tsa morogo tse bontsi ba neng ba di bone ka lenaneo le di phutlhame mo go tlhabisang ditlhong. Le fa go ntsse jalo, o ne a akgola ba ba kgonneng go lemoga bomolemo jwa lenaneo le mme ba le tsaya ka tlhoafalo. O supile fa go na le boitseme jo bontsi mo motseng, a kaya fa bontsi ba filwe tshotlhe tse di tlhokafalang mme jaanong go sa tswe maduo. Rre Baitlhapi o kgadile mokgwa o o dirwang ke bangwe wa go tsaya dipudi tsa LIMID mme ba di disetse mo malwapeng. A re seo ke go supa fa motho a tseneletse lenaneo le a sena ponelopele. O ne a gakolola banni gore ba dirise mananeo a go leka go tsisa ditlamelo tse di seyong mo motseng ga mmogo le go itshetsa. O ne a rotloetsa mowa wa bojammogo mo banning, a kopa ba ba kgonneng go dirisanya le ba ba iseng ba bone sepe gore le bone ba kgone ba tswelele ka tse ba di itshimololetseng ba santse ba letile thotloetso. BOKHUTLO society 9 Kgosi o akgola maphata a puso Mothusa Kgosi ya Peleng, Tshegofatso Setumo, o lebogetse bodiredi kwa ofising e e tlhokometseng dithoto le makgetho, lephata la tupo ya ditswammung le la dikitsiso mowa o montle wa go abela ba ba tlhokileng lesego. Fa a bua kwa moletlong wa go abela Mme Sheila Kholombo le ba lelwapa la gagwe setofo sa kese, dijo le dipitsa tse di lopileng madi a a ka tshwarang dikete tse tharo tsa dipula, Kgosi Setumo o ne a re se se dirilweng ke badiri ba maphata ao, ke go supa fa ba kgathala e bile ba na le loerato mo setshabeng sa bone. A re lerato le tshwanetse go supiwa ka ditiro tsa mothale oo, a tlatsa ka gore babereki ba supile mowa wa bojammogo magareng ga bone ka ba tswa kgakala ba kopanela tiro e ya go thusa ba ba tlhokileng lesego, e bile ba supa fa ba ikaeletse go dira jalo ngwaga le ngwaga ba sa bowe ka morago. Kgosi Setumo o ne a tswelela ka gore go dira jalo gape ke go araba kopo ya ga tautona ya gore maphata a iponatse mo setshabeng gore se ba itse, le gore ba itse matlhoki a setshaba go se thusa botoka. Fa a ntsha la gagwe mmaboipelego wa toropo mme Bajwadi Tebele, a re o leboga Modimo go bo tiro ya letsatsi leo e kgonagetse. A re ene e le mogopolo o montle gore maphata ao a tshwaraganele setshaba ka tsela e e ntseng jalo. A re go sego letsogo le le abang, a re ka jalo badiri ba maphata ao ba tla a okelediwa go menagane. A re badiri bao ba dirile tiro e ntle e e se kitlang e lebalesega motlhofo ka e le ya go dira pharologanyo mo matshelong a ba lelwapa la boora-Kholombo. Fa a amogela dimpho tseo, Mme Sheila Kholombo o ne a re o itumetse thata, mme a leboga Modimo go menagane. A re badiri ba maphata a a mo fileng dimpho ba tla a segofala mme Modimo o ba okeletse masego a ba nang nao. society 9 Lobatse o ipaakanyetsa boipuso Mothusa molaodi wa toropo ya Lobatse, Rre Ernest Phiri o kopile banni ba toropo eo go nna le seabe mo go ipaakanyetseng letsatsi la boipuso la monongwaga. O ba kgothaditse le go tlhagola tsela ya go ipelela jwa 2016 jo lefatshe leno le tlaa bong le na le dingwaga di le masome a matlhano le ntse le ipusa. E rile a afa tekodiso ka dipaakanyo tsa go ipelela moletlo o motona wa dingwaga tse di masome matlhano, a tlhalosa fa toropo ya Lobatse e abetswe P91 662 ke ba komiti ya BOT 50 go tswa kwa lephateng la banana, metshameko le ngwao le le okametseng ditirelo tsa ipaakanyetso boipuso go tloga monongwaga go fitlhelela ka 2016. A re ditiro tse di filweng madi di akaretsa ditirelo tsa go simolodisiwa ga merapelo Lwetse a rogwa go fitlhelela ka letsatsi la boipuso. O boletse gore go tlaa nna le dikgaisano tsa moopelo tsa dikereke, bodiragatsi, mmabontle le rabontle , mmino wa Setswana, metshameko ya Setswana jaaka diketo, dijo tsa Setswana gammogo le motshameko wa kgwele ya dinao mo kgaolong. Bangwe ba ba tsena phuthego eo ba atlile fela thata kgaisano ya moopelo wa dikhwaere tsa dikereke ba bolela fa gole matshwanedi gore o nne teng segolo bogolo ka lefatshe leno le ikaegile ka Modimo. Mokhanselara wa Peleng Legare, Rre Bobby Raphala o akgoletse morafe go tshologela phuthego eo ka jaana ba tlaa thusa ka megopolo e e nitameng le go anamisa molaetsa kwa setshabeng. BOKHUTLO society 9 Tlhokomelang leruo-Tombale Mookamedi wa matlhabelo a Botswana Meat Commission (BMC) Dr Akolang Tombale, a re o tshwenngwa thata ke tsela e bontsi jwa baruakgomo ba latlhelelang leruo bogolo jang dikgomo mme e re morago ga seo ba bo ba supiwa ka monwana gotwe BMC ga e dire sentle kana gotwe e a palelwa. Dr Tombale o buile se mo thuto-seka-dipuisanong e e neng e itebagantse le bogodu jwa leruo mme e rulagagantswe ke ba komiti ya twantsho borukutlhi mo Lerala bosheng. A re dikgomo tse di sa jesiwang omang kgotsa di sena manyena a e leng one bosupi di sega tsebe ka di nyefola maiteko a BMC a go rekisa nama ya Botswana kwa mmarakeng o o botoka gore baruakgomo ba bone dipoelo tse di botoka. A re fa mebaraka e e ka tswalela nama ya Botswana, kgongwana e e rekiwang ka dikete di le pedi go ya kwa godimo mo nakong e e ka felela e wetse kwa tlase le go feta le bone ba ba dinalanyana ba ka seke ba e kgatlhegele ka e tlaa bo e sena mosola. Dr Tombale o tsweletse ka gore le fa bangwe ba re ga ba rekisetse BMC, ba tshwanetse ba itse fa ditlhwatlhwa tsa kgomo mono di bewa go lebilwe gore BMC e reka dikgomo ka bokae. O tlhalositse fa BMC e baya ditlhwatlhwa e lebile gore yone e rekisa nama ka bokae, ka jalo fa barui ba re ga ba rekisetse BMC ba tshwanetse ba itse gore ga gona tlhwatlhwa ya kgomo epe mo lefatsheng leno e e fetang ya BMC. A re fa mebaraka e tswalwa BMC e tlaa tshwanelwa ke go fokotsa tlhwatlhwa e e rekang kgomo ka yone, mme se se ame baruakgomo le bareki ba kgomo botlhe. Dr Tombale o tlhalositse fa seabe sa matlhabelo a BMC mo go lwantsheng bogodu jwa leruo e le go rotloetsa moono wa puso ka go netefatsa gore kgomo e e tsenang ka matlhabelo ke e e tlhomamisegang e bile e sena selabe sepe. A re ba dira jaana ka go reka dikgomo tse di jeleng omang mme e bile di bitsa leina la mong wa tsone fa di balwa ka motshine wa bakenti. Dr Tombale o supile gore fa BMC e reka dikgomo e netefatsa gore ba sepodisi ba a ba bo ba le teng dinako tsotlhe go rurifatsa theko le mekwalo /bosupi jotlhe jo bo tlhokegang. “Jaaka mo nakong eno re phatlaladitse lenaneo la theko ya kgwedi ya Phalane, marekisetso otlhe a re yang kwa go one re patwa ke ba sepodisi le ba matlhoko a leruo mme e bile theko e ka seke e nne teng fa ba seyo,” ga tshwaela Dr Tombale. A re go bo ba reka kgomo e e tlhomamisegang e bile e rurifaditswe gore ga se ya bogodu go baya nama ya lefatshe leno e e rekisetswang mmaraka wa Europa le e mengwe mo tshiamelong ya go eletswa bobe ke mafatshefatshe. A re topo ya thekiso ke gore sepe se se rekisiwang e tshwanetse ya bo e le sa boleng jo bo rileng mme e bile o ka se latedisa kwa moding wa sone. Dr Tombale o boletse gore mebaraka e gatelela gore boleng le bophepa jwa nama bo le nosi ga bo a lekana ka nama eo go tshwanetse ga itsiwe ko e tswang teng le gore ko e tswang teng ga se lefelo le le bokabokelwang ke malwetse a a tshwanang le jwa tlhako le molomo. O ne a supa fa puso e ntse e emelane le go tlhabolola ka fa kgomo e ka rurifadiwang ka teng. crime_law_and_justice 1 Diji di tlhasetse masimo Rabalemisi wa kgaolo potlana ya Letlhakeng, Rre Lucas Kgosiemang, o tlhalositse fa go lebega diji di tlaa dika di apesitse balemi ba kgaolo ya gagwe kobo ka letshoba. E rile a bua mo puisanong, Rre Kgosiemang a tlhalosa fa ba utlwaletse thaga ya molomo mo masimong a Salajwe,Takatokwane le Moshaweng mme ka lesego di fudugile mme ba tlaa nna ba etse seemo tlhoko. O boletse fa diji jaaka ditotojane go lebega di tlaa dika di le dintsi ntateng ya dipula. O tsweletse ka go tlhalosa fa dirurubele di le dintsi thata monongwaga, a tlhalosa fa di felela di iphetotse dibokwana tse gantsi di tshabelelang mmidi. O bile a kopa gore balemi ba nne podi matseba ka go bonwe sebokwana se se tsamayang ka segopa (African army worm) se se dirang tshenyo e ntsi mo mabeleng. Rre Kgosiemang o boletse fa mhero le one go lebega o tlaa nna montsi bogolo jang wa O tsweletse ka go tlhalosa fa balemi bangwe mo kgaolong ya gagwe ba nnile le bothata jwa peo ya mabele ya S O boletse fa molemi mongwe wa masimo a Phuduhudu a ne a lemile mmidi wa O tlhalositse fa balemi ba kgaolo ya gagwe ba ne ba ikiteile ka thupana thata monongwaga ka bangwe ba ne ba itemela ka digogi tsa bone ba sa emele tsa ga goromente le fa le tsone di ne di na le bothata jwa go senyega. O boletse fa tirisanyo mmogo ya bone le balemi e le ya maemo a ntlha. Rre Kgosiemang o tlhalositse fa a tsweletse ka go duela balemi ba ba neng ba itheketse dipeo ka nako ya temo. O boletse fa ba ikemiseditse go dira le balemi ka e le bone ba ka ntshang lefatshe leno mo tlaleng. Bokhutlo society 9 Adimang bana lefatshe Mopalamente wa kgaolo ya Serowe Bokone, e bile e le mothusa tona wa tlhabololo temo-thuo le tlhomamiso dijo, Rre Kgotla Autlwetse o kgothaditse batsadi go adima banana lefatshe gore ba tsene mo temo-thuong, e le maiteko a go itlhamela dikgwebo le go tlhamela ba bangwe mebereko. Rre Autlwetse o buile jaana fa a buisa banni ba kgotla ya Kgope bosheng. Tona o ne a supa gore gantsi kgwetlho ya banana e dirwa ke gore ba a bo ba sena lefatshe, ka jalo go thatafatsa dikeletso tsa bone tsa go ka tsena mo temo-thuong. “Bontsi jwa lefatshe mo Botswana le tshwerwe ke batho ba ba dingwaga tse 65 go ya kwa godimo. Bontsi jwa bagolo ba go nna jalo ga ba sa tlhole ba na le tokololo ya go ka lema, jalo re kopa gore le adime banana lefatshe,” a kopa. A re puso e na le tsamaiso e e tlhamaletseng, ka thuso ya lekgotla la kabo ditsha, ya go thusa gore botlhe ba ba ka eletsang go dira thulaganyo ya mofuta o, ka jalo a ba rotloetsa gore ba seka ba belaela sepe gore lefatshe le ka ba tswa diatleng fa ba dira jalo. Rre Autlwetse o ne a tlhalosa fa puso e tshwenyegile ka letlhoko la mebereko mo bananeng, ka jalo a supa fa lephata la gagwe le tsere kgato mo go thuseng ka seo mo mhameng wa temo-thuo. “Mhama wa temo-thuo o na le dikgwebo di le mmalwa tse banana ba ka inaakanyang le tsone, fela fa ba ka nonofa ba tsena mo temo-thuong,” a supa. A re dipalo di supa fa 30 000 ya banana ba ba nang le dithutego ba sena ditiro, ba saila mo mebileng. “Puso e tshwenyegile ka seemo se, se tsisa bohutsana mo malwapeng a batsadi ba ba aperweng ke bothata jo, ka gantsi re solofela kana e le dikeletso tsa gore bana ba rona ba re thuse,” a tlhalosa. A re go ngomola pelo gore batsadi ba bo ba bapa le banana mo malapeng ka ntlha ya letlhoko la ditiro. Jalo, o tlhalositse fa nako e gorogile gore temo-thuo e fetolwe gore boleng jwa yone e nne jo bo kwa godimo, e bile bo ntsha maduo a matona. “Go setse go na le methale e mesha ya go ntsha maduo mo thobong, jalo re eletsa gore banana ba lemoge diphatlha tse, e bile ba lemoge fa go na le tsela ya mefuta e ya itshetso,” a supa. A re kgang ya go batla tiro e fetile, a supa fa metlha ya gompieno e le ya go itlhamela ditiro. Rre Autlwetse a re puso e mo tseleng ya go rutuntsha le go tlatsa banana ba dithutego tse di kwa ntle ka temo-thuo, gore go nne bonolo gore ba ka tsena mo temo-thuong. Fa a bua ka thulaganyo e e dirilweng ya go thusa dikgaolo ka madi, o tlhalositse fa kgaolwana ya Kgope e filwe P1.1million. O ne a tlatsa ka go re, ka madi ao a diretswe dithuso tse dipotlana mo dikgaolwaneng tsa bone, ba dumalane gore a tlaa thusa go dira tsela ya boleele jwa 1.6km mo kgaolwaneng ya bone, le go dira borogo jwa dinao go ya kwa sekoleng se segolwane sa Samane. Fa a gakolola, o ne a lemotsha barui ba dikgomo gore puso ga e sa tlhole e tlaa thusa mo go kenteng dikgomo tse di sa tsenngwang manyena. “Go ka tswa go lebega e kare puso e a tshwenya, e bile e a kgokgontsha, mme tota re leka go patika barui gore ba tsenye manyena. Puso e a senyegelwa ka go thusa le go tsisa ditirelo, mme go sena bosupi jwa gore dikgomo tsa go nna jalo ke tsa bo mang,” a tlhalosa. Fa ba mo kgwa kgaba, bontsi jwa batsadi ba ne ba le ’bete se molangwana ka boitsholo jwa banana, ba supa fa bontsi jwa banana bo sena boammaaruri, jalo selo se se dira gore go nne thata go ka ba adima lefatshe. Baagi ba ne ba supa ngongorego ya gore diterekere ga di a lekana mo dikgaolong tsa bone, ba supa fa ba lema nako e setse e ile. Ba ne ba re gantsi dithuso tsa temo ya ditema tse tlhano di tla ka tshokolo, jalo ba supa fa se se ba nyemisa moko. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Moremogolo go betlwa wa taola... Go tlhalositswe fa go ima ga banana, go nna le bakapelo ba bantsi, go inyadisa, go nwa bojalwa phetelela le go dirisa diritibatsi e le ditiro dingwe tse di tshwenyang mo toropong ya Jwaneng. E rile a bua bosheng mo phuthegong e bagolo le baeteledipele ba toropo eo ba neng ba biditse banana kwa kgotleng ya Raphalane go tla go ba fa maele a go tshela botshelo jo bo phepha bo na le maikarabelo ka jaana botlhoka tsebe jwa banana bo ile magoletsa, Kgosi Nkaelang Lekgoa a tlhalosa fa go ora molelo le banana e le tsela nngwe ya go buisana le go tlhaloganya gore ba dirwa ke eng go ikgolaganya le botlhoka tsebe. O boletse fa gape go tla a thusa go tla ka megopolo e e ka rarabololang botlhoka tsebe joo ka e bile banana ba tshwaraganetse tiro eo le bagolo ba toropo. Kgosi Lekgoa o kaile fa letlhaku le lesha le agelwa mo go le legologolo ka jalo go le maleba gore bagolo ba arogane le banana maele a botshelo gore lefatshe la Botswana le nne le baeteledipele ba ba nang le boikarabelo mo isagong. Kgosi Lekgoa o kgothaditse banana go fetola matshelo a bone mme a ba kopa go tlogela go iphitlha ka mafoko a Setswana a tshwana le monna selepe oa fapaanelwa gammogo le monna ga a botswe kwa a tswang teng, go dira botlhoka tsebe. Fa ba tswa la bone, banana ba kaile fa go ima ba sale bannye go bakwa ke go tlhoka lerato la batsadi kwa malwapeng jalo ba felele ba le batla mo banneng ba ba tona kana ba ba setseng ba na le malwapa. Ba tsweletse ba tlhalosa fa go nwa bojalwa phetelela le go dirisa diritibatsi gone go bakiwa ke go batla go itumedisa ditsala le keletso ya go lekeletsa dilo. Ba tsweletse ba tlhalosa fa tlotlo e tlhaela mo batsading ba bone ka jaana bagolo ba ratana le balekane ba bone mme seo se diga boleng le tlotlo e ngwana a ka e fang motsadi wa gagwe. Mongwe wa batsadi, Mme Boitumelo Abobe, o kgothaditse batsadi ka ene go tsalana le bana ba bone ka jaana go tlaa dira gore ba gololesege go bua le bone. O kgothaditse batsadi go tshela ba na le boikarabelo gonne bana ba tsaya malebela mo go bone. Mme Abobe o tsweletse a kgothatsa banana go nna le maikaelelo a a tsepameng gore ba seka ba kgarakgatshega le menate ya lefatshe ka go supega fa e sa age botshelo ka gope. O tsweletse a ba rotloetsa go itirela ka diatla go tila go batla go direlwa mo go feletseng ka go ba bakela mathata a go nna le bakapelo ba bantsi. Motshwarelela modulasetilo wa banana, Rre Tebogo Lore o lebogetse dikgakololo tse ba di filweng a kaya fa di tla a ba thusa e bile di ba kgothatsa go fetola matshelo a bone. BOKHUTLO health 6 Kesupile o rotloetsa tiriso ya madi Mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile o rotloeditse banni ba kgaolo ya gagwe ya Nyorosi Botlhaba go dirisa lenaneo la LG 1109, la madi a P10 million go tlhabolola kgaolo ya bone ka botswapelo. O buile jalo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla mo Kanye ko kgotlaneng ya Nyorosi botlhaba bosheng. O ne a lekodisa kgaolo ya gagwe ka ditlhabololo le go tsaya megopolo go isa ko palementeng e e tlang ya kgaoganyo madi kgwedi e e tlang. O boletse fa madi a P10 million a a fiwang dikgaolo ka go farologana a tlaa ntshiwa ngwaga le ngwaga mme ke matshwanedi gore dikgaolwana di seka tsa salela ko morago mme di dirise madi ao ka botlalo go tlhabolola dikgaolwana tsa bone. Rre Kesupile o ne a bolela fa a swabile nko go feta molomo go bona ba Nyorosi botlhaba ba santse ba saletse morago mo go diriseng madi ao le mororo dikgaolwana tse dingwe di tsweletse pele. O boletse fa maikaelelo a puso go ntsha madi ao e le go nonotsha dikonteraka tsa mo gae le batho go tsenya letsogo go iphira le go hira beng ka bone. O boletse gore go tshwanetse go hirwa Batswana mo gae gore le bone ba ikinole mo lehumeng go na le go tsaya dikhamphane tsa batswakwa. Mo dikgannyeng tse dingwe o buile ka molao kakanyetso wa Matimela o o tlaa buisanngwang ke palamente, a bolela gore khansele e tlaa fiwa boikarabelo ja matimela. Ba a phuthe mme ba duedise beng ba one fa ba tsile go a golola. Rre Kesupile o boletse fa go tlaa nna le diofisi tsa matimela le babereki ba teng. Matimela a tlaa phuthelwa golo go le gongwe mme batho ba tlaa fiwa malatsi a matlhano go tla go tsaya leruo la bone, mme e re morago ga malatsi a le lesome le bone a tlaa bo a ka rekisiwa ka palabalo. O boletse fa gape fa leruo le le lwalang kgotsa le tsenwa le tlaa bolawa morago ga therisano le ba tlhatlhobo ya leruo mme morui a itsisiwe. O boletse fa dikgomo tse dingwe di tlaa rekisiwa ko BMC. O boletse fa yo o tlaa kgoreletsang baphuthi ba Matimela mo go phutheng matimela ba tlaa tseelwa dkgato tse di gagametseng. Ba tlaa lefisiwa P1000 kgotsa dikgwedi tse di lesome le bobedi mo kgolegelong. Fa ba akgela banni ba ne ba ngongoregela molao kakanyetso oo, ba bolela fa o tlaa bo o ba patika. Ba boletse fa ditshipi tsa dikgomo tsa bone di itsiwe ba tswanetse go leletswa go tla go tsaya leruo la bone. Mo go tse dingwe mothusa mapodisi a Kanye Assistant Superintendent Mogogi Mathaba o boletse fa borukutlhi ja dipetelelo bo golela pele mme bo diragala morago ga maitiso go tswalwa kwa dibareng. O boletse fa basimanyana ba ba ntseng ba tlhorontsha mo Kanye ba ipitsa Matsetsenkane ba tla bokhutlong ka gore thupa jaanong e lelela boatleng. BOKHUTLO society 9 Bomme ba itshetletse mo go logeng ditlatlana Lorato le Mme Selina Mafela le Mme Kerileng Keletso ba nang nalo mo tirong ya bone ya diatla, lo feta dikgwetlho tse ba di ralalang. Bobedi jo, go tswa kwa Mathathane, bo ikaegile ka go loga ditlatlana, selo se ba sa leng ba se thaile go tswa bonyaneng. Mme Mafela, 77 le Mme Keletso, 62 ba santse ba tshwere ka natla le gompieno mme ba dirisa setlhare sa mokolwane go loga ditlatlana, mekgabisa, mebanki e e tsenyang diaparo, manyena le sepe fela se moreki a ka eletsang go se logelwa. Bothakga jwa bone ke jo bo kgatlhisang, e bile ba ikaelela go kgaogana nayo fela motsing ba hularang. Bobedi jo bo tlhalosa fa go loga go le mo mading mo e a reng le fa ba itapolositse ba bo ba ntse ba tshweretshwere sengwe ba loga. Boitseanape jo, ba supile fa ba bo amule mo batsading. Morago ga go logela mo malwapeng ka lobaka, ba supile fa ba ne ba kopana le ba lephata la thuto ga e golelwe ba ba neng ba ba thusa go aga setlhopha sa bomme ba ba logang ditlatlana se se bidiwang, O Tlaa Robala o Tlaa Ja Eng, se mo nakong eno se sa direng sentle. Mme Mafela yo e leng modulasetilo wa setlhopha se a re se simologile mo dingwageng tse some tse di fetileng mme ka nako eo, se ne se na le bomme ba le masome a mararo mme bangwe ba ikgogela morago. A re maikaelelo a setlhopha e ne e le go kopanya bomme ba ba logang ditlatlana kwa Mathathane gore ba kgone go rekisa tse ba di logileng ba ikopantse mme ka go bona bareki ba le boutsana, bangwe basomola ka tlhogo. A re go reketla ga setlhopha, ga go a ka ga ba kgoba marapo, a supa fa bontsi jwa bareki e le batho basweu. Fa a tlhalosa ka tiro ya bone, Mme Mafela a re ba dirisa pelo ya setlhare sa mokolwane mme sone se nna mmala o o mosetlha. A re fa ba batla go tsenya mmala ba dirisa setlhare sa motsentsela se se fetolang mmala gore o nne morokwa. Mme Mafela a re go loga tlatlana go tlhokana le motho yo o nang le lerato la go loga mme a dira jalo ka kelotlhoko. A re fa motho a se kelotlhoko, o ka re ba loga mologo o o tshwanang mme fa o tsenya leitlho thata, o lemoge fa melogo e farologana ka go na le gore motho o ka logela mo teng kana a logela kwa ntle mme mologo o le mongwe o tshwanetse o tshwane mo go se motho a se logang. A re mologo o tshwanetse go lekalekana gore selwana se lebege, se seka sa nna melogo e e farologaneng. Mme Keletso yo e leng leloko la setlhopha a re le fa ba loga ditlatlana, ba na le kgwetlho ya go bapala mokolwane kwa se bonwang teng ka ba kgorelediwa ke ditlou. A re mo nakong e e fetileng, ba ne ba kgona go bapala mokolwane ntle le dikgoreletsi dipe ka go ne go sena ditlou tse dintsi mme tshologelo ya tsone e a ba boifisa ebile e busetsa tiro ya bone kwa morago. Mme Keletso o supile fa balogi ba Mathathane ba tlhokana le lefelo le ba rekisetsang kwa go lone ka go tlhoka lefelo go ba kgoba marapo. A re o eletsa fa ba ka e amogana kitso e ba nang nayo le banana mme go a tshwenya gore banana ba bo ba sena kgatlhego ya go ithuta go loga, a bolela fa go loga ditlatlana go tlaa felela go nyeletse. O supile fa bone ba ne ba nna le kgatlhego ba ithuta mo batsading ba bone mme fa ba re ba ruta banana, ga ba dumele ka ba tsaya gore go loga ditlatlana ke ga bagolo. Mme Keletso o supile fa ba eletsa fa puso e ka ba thusa go ba agela lefelo le ba ka direlang mo go lone a bolela fa seo se ka felela se rotloetsa bomme ba ba ikgogetseng kwa morago mo setlhopheng sa bone go boela mo go sone. A re ba na le lefelo le ba le filweng ke ba kabo ditsha mme ga ba ise ba kgone go aga ka ba sena madi. arts_culture_entertainment_and_media 0 Itshupeng ka ditiro - Maele Tona wa tlhokomelo lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopho ya leswe, Rre Prince Maele o rotloeditse maloko a kereke ya Tree of Calvary Apostolic go nna sekao mo dikerekeng tse dingwe mo tirong ya go direla Modimo. Fa a bua kwa bokopanong jwa malatsi a paseka jwa kereke eo kwa Gootau bosheng, Rre Maele a re maloko a kereke eo, e e tlhamilweng ka 2014 a tshwanetse go itshupa gore a tlaa dira se se pharologanyo le se dikereke tse di duleng mo tseleng di se dirang. A re dikereke ka bontsi ga di kgone go itshwarelela mme o na le tsholofelo ya gore ka kereke eo e sale ntsha, e tlaa tswelela go sena dikgotlhang tse di ka bakang gore e thubege. Rre Maele a re go le pele dikereke di ne di sa letlelelwe di kgokgontshiwa ka magosi ba ne ba dumela fa baruti ba tlaa ba tseela morafe, mme seemo se fetogile ka puso e letlelela dikereke e bile di fiwa ditlankana le go abelwa ditsha gore ba age matlo a kobamelo Modimo. A re mo dingwageng tse di fetileng ditiro tsa dikereke di ne di bonala ka di ne di thusa setshaba ka go se agela dikole le dikokelo mme seo ga se diragale mo malatsing ano. O ne a rotloetsa kereke eo go tswelela e direla setshaba ka go bonala ba le mo tseleng e e maleba. Rre Maele a re go a bonala gore kereke ya Tree of Calvary Apostolic e itlhophetse pilara e e leng yone ya go aba ka fa e sale e tlhangwa ka 2014 e abetse batlhoki makgetho a le mmalwa, a bolela fa seo e le sone se puso e se batlang. O ne a gakolola maloko a kereke eo go tila dikgwetlho tse di ka busetsang kereke ya bone morago. A re go a bonala fa kereke eo e simolotse sentle ka e setse e na le makalana a fera bongwe mme e le ntsha go tlhangwa. Rre Maele o tlhalositse fa kereke e le gone kwa batho ba yang teng ba batla pholo mme dikereke di fetogile ka batho fa ba ya teng ba felela ba sa itumele ka go dirwa tse di kgatlhanong le molao wa Modimo. O ne a ba rotloetsa go tsamaya ka tsela e e supang fa ba itlhaloganya e bile ba itse kwa ba yang teng. A re ba tshwanelwa ke gore ba seka ba tsena mo dikgogakgoganong di tshwana le tsa go lwela maemo, go dira makgamu le gone go lwela madi le ditsompelo tsa kereke. Moruti Amos Moremi wa kereke eo o ne a bolela fa kereke ya bone e thailwe ka tlhotlheletso ya mowa o o boitshepo ke moruti yo motona ebong Moruti Abednico Senatla. A re maikaelelo a kereke ya bone ke go rera lefoko la Modimo le go sokolola ba ba mo lefifing go ba tsisa mo leseding. A re ba tsweletse ka go fetola matshelo a batho ka go farologana ka ba abela ba ba tlhokang e bile ba kgona go tshwara dithapediso ba itebagantse le tse di tshwenyang setshaba di tshwana le tsa dikotsi tsa tsela. Kgosi Maele Maele wa Gootau o ne a akgolela kereke ya Tree of Calvary Apostolic go tshwaragana le morafe ka go abela batlhoki. A re se se supa fa ba na le bone mo dilelong tse ba nang le tsone di tshwana le tsa botlhoki. BOPA religion_and_belief 8 Bakwena ba tshegeditse ngwao Mo ditsamaisong tsa batsoga pele, gone gole thona go tsaya tsela e ba bangwe ba neng ba sae tsamae mme e bile Kgosi ene ele molaodi le mokaedi wa morafe wa gagwe. Setswana se se reng “Lefoko la kgosi le agelwa mosako” sene se sa mpampediwe. Boitsholo jo, bo ne bo tsisa thokgamo, tirisanyo mmogo le lerato mo bathong ba maloba. Sekai sa botshelo jo go lebegang bone bo relela jo, se bonwa mo kgaolong ya Mokwena kwa Molepolole, Kopong, Gabane le Thamaga. E tla a re o re o gorogile kwa Kgosing kwa Molepolole o bone ka go kgathantshiwa ke dikago tse ditelele dile modikologa, difalana. Difalana tse go bolelwa fa di agilwe ke morafe wa Bakwena ka thuso ya puso ya ga Mmamosadinyana mo dinakong tsa maloba. E rile a bua mo potsolotsong, Kgosi Keineetse Sebele a supa fa difalana tse ene ele disigo tse morafe wa Bakwena o neng o ipeela dijo di tshwana mmidi, mabele le dinawa mo go tsone. A re dijo tse dine di isiwa ke morafe kwa kgosing morago ga thobo ele dikgafela, a tlatsa ka gore gone gape gona le masotla a a neng a lemiwa ke morafe o bo o a tlhokomela mme thobo ya one yotlhe e isiwe kwa Kgosing. A re se sene se dira gore morafe o tshwaragane. O supile fa dijo tse dine disa isiwe kwa kgosing gore a di akole a le esi, mme a re dine di dirisiwa go tshetsa baeng ba ka nako eo ba neng ba gorogela kwa kgosing ka gore gone go sena matlo a boroko jaaka diotele jaaka go ntse mo nakong ya gompieno. A re balwetsi botlhe go tswa mo dikgaolong tsa Botswana ka nako eo ba ba neng ba tsile bongakeng kwa sepateleng se gompieno e leng Scottish Livingstone bane ba gorogela kwa kgosing. Kgosi Sebele a re dijo tse dine gape di tshetsa balwetsi, bagodi, batlhoki le bana-le-bogole ba ba neng bale teng mo morafeng ka bane basa kgone go itirele. A re gone gona le thulaganyo ya go fa morafe dijo mme ene e dirwa ke kgosi le lekoko la gagwe, a kaya fa lekoko le lene le dirisa mepato go tsenya dijo le go di ntsha mo difalaneng. A re dijo tse dine di tswakanngwa le molora wa morukuru, motswere le motshetelo ele tsela ya go itsa diji di tshwana le tshupa. O boletse fa difalana tse di agilwe morago ga dingwaa tsa bo 1870 jaaka fa metse ene e tlhomiwa. A re mo go tsone dingwaga tseo ene ele nako e dintwa tsa maburu le merafe e mengwe di neng di bepa. Kgosi Sebele a re mo nakong ya gompieno, difalana tse di kafa tlase ga tlhokomelo ya ba lefelo la tshomarelo matlotlo a ditso ba Kgosi Sechele I Museum mme gago sa beiwa dijo mo go tsone. A re mo nakong e e fetileng di kile tsa dirisiwa ele diofisi tsa ba khansele ya Kweneng. Mongwe wa mabutswapele a Mokwena Rre Lekgoa Pheto o ne a rurufatsa mafoko a aga Kgosi Sebele mme a tlatsa ka gore ene ere ka dinako tsa gole tlala, morafe o nne o fiwe tsone dijo tse di neng di bolokilwe tseo. A re gape ene ere fa kgosi a bulela letsema morafe o fiwe peo gone mo dijong tse. E rile fa a tswa la gagwe mogolwane wa lefelo la matlotlo a ditso la Kgosi Sechele I, Rre Kawina Kawina a supa fa difalana tse di thusitse morafe wa Bakwena mo dinakong tse go neng gole thata gole leuba. Rre Kawina o supile fa maikaelelo a bone ele go busetsa difalana tseo mo tirisong ka go di dira diosisi tse go tla a rekisiwang dilo tsa botaki le ngwao mo go tsone. A re se, seka berekela segolo bogolo banana ba ba mo dikgwebong tsa botaki le ngwao, a re difalana tseo di mo tseleng e bajanala ba e dirisang goya kwa lefelong la diphologolo la Khutse le mafatshe a mangwe a tshwana Namibia le Zambia. A re mo godimo ga moo, difalana tseo di ngoka bajanala ka mekgabisa e e supang ditso tsa morafe wa Bakwena. health 6 Mapodisi a ipelela katlego E rile bosheng mapodisi kwa Selebi Phikwe a bo a ipelela katlego ya go dira ka natla. Fa a amogela baeng mo moletlong oo, Superintendent Victor Nlebesi o tlhalositse gore go simolola ka 2011 ba ntse ba amogela ditlankana di le mmalwa tse di supang fa ba dira ka natla mo tirong ya bone ya sepodisi mo kgaolong ya Legare. O kgothaditse ba sepodise gore ba seka ba nyatsa se ba se dirang le fa se ka tswa se le sennye ebile gape ba tshwanetse go bereka ba na le tebelopele gore ba kgone go ntsha maduo mo tirong. E rile a ema badiri ba sepodise ka lefoko, Mme Mmereki Pule yo e leng molomaganya lekalana la tokafatso maduo go tswa kwa ofising ya ga molaodi mo Selebi Phikwe, a tlhalosa fa a le motlotlo thata go bona a boetse gape go tla go ipela le ba sepodise sa Selebi Phikwe mo katlegong e ba e fitlheletseng ka e rile ngwaga e e fetileng ba bo ba kokoane gape go ipelela katlego ya bone. A re Superintendent Nlebesi o tshwanetse go rolelwa hutshe ka jaana e le ene a rweleng boikarabelo ja go bona gore mananeo a diragadiwa ka fa go tshwanetseng. O tlhalositse gore go ipelela katlego ga se go emisa go dira ka natla mme go raya gore ba tshwanetse go dira go feta fa ba dirileng teng. Mme Mmereki o tlhalositse gore tiro ya sepodise e lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi ka ba kopana le batho ba maikutlo a a farologaneng mme a ba kgothatsa go nna pelotelele le lorato ka tse tsotlhe di ka dira tiro ya bone bonolo. O tlhalositse gore go supagetse fa sepodise sa Selebi Phikwe se dira ka bokgabane mo nngweng ya ditsetlana tse di lesome tse di neng di supa fa badirelapuso ba sa fe setshaba ditirelo ka fa go tshwanetseng mme mo go ba sepodise sa Selebi Phikwe go sa nna jalo. Mme Mmereki a re sepodise ke sone se rweleng boikarabelo jwa go bona gore tebelopele ya setshaba se se babalesegileng go ya 2016 e a diragala. Mo mafokong a gagwe a tebogo, Kgosi Mareko Thipe a re go ipelela katlego ke matlhagola tsela go ya katlegong le go diragatsa ditoro tsa lephata. Kgosi a re ke maikaelelo a Botswana go fokotsa borukutlhi. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Beng ba diterekere ba dumelane Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba Mme Botlogile Tshireletso, o kopile beng ba diterekere go tlhama lekgotla le ba tlaa le dirisang go kopa dithuso mo mmusong le go itshimololela dikgwebo di tshwana koporase ya lookwane la dikoloi le thekiso ya didirisiwa tsa temo jaaka megoma le dipolantara. Mme Tshireletso yo e bileng e le mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae o buile jalo kwa phuthegong e e neng e kopanetswe ke beng ba diterekere go buisana ka mogopolo wa go tlhama lekgotla la beng ba diterekere le go ipaakanyetsa letsema la ngwaga wa 2015/2016. A re go maswabi gore e re mmuso o na le mananeo a beng ba diterekere ba ka a dirisang go reka lookwane le didirisiwa tsa temo, bangwe ba bo ba santse ba lela ka go tlhaela ga megoma le dipolantara e bile bangwe ba bone ba lopa balemi madi a peeletso go reka lookwane le mororo mmuso o duelela balemi madi otlhe a go lemelwa. Modulasetilo wa lekgotla leo Rre Lesego Baruti o rile le ntswa maloko mangwe a sa tsene diphuthego tsa lekgotla, gone ba kgonne go kwadisa lekgotla leo le go dira molao-motheo. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Legal Aid Botswana e ikatametsa setshaba Lekalana la Legal Aid Botswana le le thusang Batswana ba ba kobo dikhutswane ka dikgang tsa semolao le atametsa dithuso tsa lone mo merafeng ka go farologana E rile a buisa phuthegong ya kgotla kwa Maun, mogolwane wa lekana leo, Mme Kagiso Marumo a tlhalosa fa le tlhamilwe ka 2011 ka maikaelelo a go thusa ba ba kobo dikhutshwane ka ditirelo tsa bogakolodi le bobueledi mo makgotleng a ga mmakaseterata, lekgotla legolo la ditsheko, kgotla ya ditsheko tsa khiro, lekgotlana la tsa ditsheko tsa lefatshe le lekgotla legolo la boikuelo mabapi le dikgang tsotlhe tsa molao tse di ka amang tsa lelwapa, tsa khiro le ditshenyegelo. O tsweletse a re moikopedi wa dithuso tse ga a lopiwe sepe fa e se fela go tla ka sesupo sa Omang, dipampiri tsa khiro di supa kamogelo ya motho yo o kopang thuso fa e le mmereki le dipampiri tsotlhe tse di amanang le kgang e e tlhokang tirelo ya bone. O tlhalositse gore go dirisiwa makgetho a puso go duelela ditirelo tse ka jalo moikopedi ga a tlhoke go duela sepe fela go ka akola ditirelo tse. A re ditirelo tsa bone ke tsa maemo a a kwa godimo ka di dirwa ke babueledi ba ba ikemetseng ka nosi ka fa tlase ga lekalana le le okametseng babueledi. Mme Marumo a re motho mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go tsewa ka tekatekano fa pele ga molao ka jalo lekgotla le, le ikemiseditse go dira tsotlhe mo thateng ya lone go lekalekanya sekale sa tsamaiso-molao ka go tsisa ditirelo tsa molao go botlhe ba ba di tlhokang. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Charles Letsholathebe o boletse fa a leboga lekalana la Legal Aid Botswana fela thata ka a re le tla araba selelo sa batlhoki. BOKHUTLO society 9 Setlhopha se tlhagisa bakgweetsi ka metshameko "Setlhopha sa bodiragatsi sa Tsedikgolo House Of Theatre go tswa kwa Mmankgodi se tsweletse ka letsholo la bone la go tsamaya le ruta setshaba ka ipabalelo tseleng ga mmogo le ditlamelo tsa Motor Vehicle Fund (MVA). Fa a bua mo potsolotsong le BOPA morago ga motshameko kwa motseng wa Moshaweng, moeteledipele wa setlhopha seo Rre Ishmael Leshetla a re ba dirile tumalano ya madi a selekanyo sa P248 000 mo ngwageng go etleediwa ke ba MVA gore ba tsamae mo metseng ya Kweneng ga mmogo le dikgaolwana tsa yone go ruta batho ka dilo tse di bakang dikotsi tsa tsela ga mmogo le gore o duelelwa bongaka fa o gobetse jang mo kotsing ya tsela. Rre Leshetla a re mo motshamekong wa bone ba ruta batho kgathanong le lebelo le le fetileng selekanyo, go tlhoka go tsenya lebanta la pabalesego le la bana, go kgweetsa o nole, go kgweetsa o bua le mogala wa letheka ga mmogo le go kgweetsa o lapile. “Lenaneo la MVA le re rutang batho ka lone le botlhokwa thata ka le go fa tlhokomelo ya botshelo jotlhe fa o gobetse mo kotsing ya tsela, eseng go go fa madi gore o ikise kokelong jaaka pele mme gompieno molwetse ga a amane le madi a bongaka gope ka gore lantlha batho ba ne ba dirisa madi ao botlhatswa,"" ga tlhalosa Rre Leshetla. O tsweletse a bua gore ba oka tatedi ka go kwala mekwalo e e laletsang batho gore ba tle go ba bona ba diragatsa ga mmogo le go kopa bogogi jwa metse e ba e etelang gore ba laletse banni ba metse eo gore ba tle go itseela thuto ka botlalo. A re gape ba dirisa diletso tsa mmino go oka tatedi ka e le nngwe ya dilo tse di dirang gore batho ba nne le keletso ya go ya go bona gore go eng kwa go lediwang teng, mme seo se dire gore banni ba nne le kgatlhego mo motshamekong wa bone. Rre Leshetla a re mo metseng e ba setseng ba ile kwa go yone jaaka Thamaga, Kumakwane le Mmankgodi banni ba metse eo ba supile kgatlhego e e nametsang le go ba akgolela bodiragatsi jwa bone a tlatsa ka gore banni bangwe ba ne ba supa fa ba sa itse ka ditlamelo tsa MVA mme morago ga motshameko oo, le dithuto ba kgatlhegela go rutiwa ka ditlamelo tsa MVA ga mmogo le ipabalelo tseleng. Mongwe wa banni Mme Gotshola Maruping a re o ithutile thata mo motshamekong oo gore go botlhokwa go ipabalela tseleng ga mmogo le go itse gore fa o gobetse mo kotsing ya tsela o duelelwa bongaka eseng go fiwa madi jaaka batho ntse ba itse. Mme Maruping o rotloeditse banni ba metse e mengwe go tsaya melaetsa eo ka tlhwaafalo gore ba ikgaphe mo dikotsing tsa tsela. BOKHUTLO" arts_culture_entertainment_and_media 0 Ba isa malebogo Lelwapa loora Race kwa Tonota, le le neng la makatsa ba le bantsi fa le segofadiwa ka mawelana a barwa a le bane bosheng, ba re ba lebogela kemo nokeng e ba tsweletseng go e fiwa ke puso le setshaba ka kakaretso. Mafoko a malebo a builwe ke mmaagwe motsetsi, Mme Ledoba Race. Mme Pego Race o ba belegetse bana bao kwa kokelong ya Nyangabwe kwa Francistown. Mme Race o ne a bua jaana jaaka morafe wa Tonota, bagwebi ba ba direlang mo motseng oo ga mmogo le ba-na-le seabe ka go farologana ba agela masea ao ntlo gape ba tsweletse ka go lere tsotlhe tse di tlhokegang go ka tlamela masea le mmaaone. Ntlo e e agIwang ke ya dikamore tse pedi le sephato mme e dirwa ka fa tlase ga mokgatlho wa bopelotlhomogi wa Thapelo Olopeng Foundation, mme maikaelelo ke gore ntlo e e bo e fedile mo lebakeng le le sa fediseng pelo. Dingwe tsa botlhokwa tse ba tsweletseng ka go di amogela ke melora, dijo le tse dingwe, mme Mme Race o supa fa ba leboga Modimo godimo ga tsotlhe go bo a segofaditse lelwapa la gagwe ka masea ao. “Go tsholwa ga bana ba le bane nako e le nngwe fela ke tshegofatso e kgolo e bile ga se tiragalo e e tlwaelesegileng, ka jalo re itumetse e bile re amogetse ka tsoo pedi,” a bua ka monyenyo. Maina a masea ke Tshimologo, Tshenolo, Tshiamo le Tsholofelo mme a tlhalosa fa a kaya gore tshimologo le tshenolo ya dilo tse di siameng e setse e gorogile mo lapeng la bone mme ebile gape seo se ke tsholofelo ya gore ba tla tswelela ba tshela ka boitumelo. Masea a a dira gore palo yotlhe ya bana ba ga Mme Pego e nne lesome, basetsana ba le bane le basimane ba le barataro. Nkuku o ne a re ntle le dithuso tse di tswang mo setshabeng, ne go ka nna morwalo o o ngomolang pelo go ka tlamela bana ba ka jaana ba bangwe le bone ba santse ba le dingwaga tse di ko tlase. Fa a tswa la gagwe, Mopalamente Olopeng o ne a akgola mowa wa tshwaragano le bopelotlhomogi o Batswana ba o supileng tebang le go fa boo Ra Race dithuso tse di maleba. A re e ne ya re go utlwa mokgosi o, mokgatlho wa gagwe wa ikgolaganya le bagwebi le ba na le seabe ka go farologana ka tsebe ya maranyane ya Facebook go kopa dithuso ka go farologana. Rre Olopeng a re dithuso tse ba setseng ba di amogetse di a nametsa, e bile bontlha bongwe jwa tsone ba bo dirisetse go gokela metsi le go aga ntlwana ya boiteketso. O bile a supa fa ba setse ba simolotse go aga ntlo e bile a supa gape gore dithuso tsotlhe di tlaa dirisiwa ka tsela e e nitameng e bile e na le motlhala o o mo pontsheng. Go sale foo, Rre Olopeng o galaleditse Batswana go bo ba santse ba tsaya dikgang tsa bopelotlhomogi ka tlhoafalo. A re e re ntswa puso e dira ka gotlhe e bile e intshitse setlhabelo tebang le dikgang tsa bopelotlhomogi, tshwaragano ya mhama o o ikemetseng le yone e botlhokwa ka jaana seo se ka lere maduo. Tona Olopeng o bile a re se Batswana ba se dirileng se tlaa godisa lorato le kutlwelobotlhoko o o tswang goo-Lowe. BOKHUTLO society 9 Kgolo ya Morupule e ama masimo Balemi-barui ba masimo a a kwa Serowe botlhaba ba mo therisanong le puso, morago ga gore moalo o o dirilweng ke ba lekgotla la kabo ditsha o supe fa masimo a le 153 a ya go amiwa ke kgolo ya moepo wa magala wa Morupule. E rile a ba rolela ka ditsamaiso mo phuthegong ka Labotlhano, mokwaledi wa lekgotla le lebotlana la kabo ditsha la Palapye, Rre Boikago Maswabi, a tlhalosa fa ba tswa kgakala le ditherisano le balemi, jaanong sebaka se tsile sa gore ba amogiwe lefatshe la bone go sutela ditlhabololo. Fa a rola pego ya gagwe Rre Maswabi o ne a tlhalosa fa Palapye a gola ka bofefo, mme ebile e le boremelelo jwa tse di tlhokegang jaaka motlakase, ka jalo, bone e le ba makgotla a mabotlana a kabo ditsha, a masimo a a amegang a leng mo ditsamaisong tsa bone jaaka e le Serowe, Palapye le Paje ba tsisitse morero ba romilwe ke puso. Rre Maswabi o ne a re puso e ikaelela go atolosa phetlho ya mtlakase o go lebegang o tlaa tlhaela fa nako e entse e tsamaya, a supa fa moepo oo wa magala e le o o bulegileng (open cast mine). A re go lemosegile fa seo se ya go oketsa phetlho ya motlakase o e ka nnang ya re kgabagare wa lekana lefatshe leno wa bo wa rekisediwa a a mabapi. Mme a rotloetsa setshaba se se yang go amega go lebelela ditlhabololo tse di tlaa solegelang dikokomane tsa lefatshe leno molemo mo isagong. O ne a re morero o ya go tswelela go fitlhelela tiro eo e wela. Go solofelwa gore moepo oo o simolole go bereka ka 2018. Dipotso le dikakgelo di ne tsa botswa mme balemi-barui ba masimo a a yang go amega ao ba supa fa ba sa dumelane le gore ba duelwe ka ditlhwatlhwa tsa puso, tse bangwe ba neng ba re di siilwe ke nako, fa bangwe ba ne ba re dituelo di dirwe ke ba Debswana ka ke bone ba laolang moepo oo. Ba ne ba re dituelo tsa puso di kwa tlase fela thata. politics 7 Boammaaruri ga bo jelwe pheko Banni ba Somelo mo kgaolong ya Nhabe ba kopilwe go nna ba bua boammaaruri ka dinako tsotlhe fa bana le baeng, segolo jang matona le bathusi ba bone gore mathata a bone a kgone go rarabololwa sentle. Seo se builwe ke mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Olebile Gaborone bosheng fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo, a re mokgwa wa gore batho ga ba bona matona kgotsa bathusi ba bone mo metseng ba bo jaanong ba batla go senyana ba bangwe maina, ke selo se se sa siamang. O ba tlhaloseditse gore ba nne ba bua dikgang jaaka di ntse gore ba kgone go bona dithuso tse ba di batlang ka nako. Mothusa tona o ba boleletse fa a ne a ile go bona motse wa bone le gone go ba lekola. Rre Gaborone o kopile batsadi kwa Somelo go tlhokomela bana ba bone ka dinako tsotlhe le go ba neela lerato ka go bona gore ba tsena dikole, ba sa abelwe batho jaaka go tlwaelesegile. A re ngwana o tlhoka lorato lwa motsadi ka nako tsotlhe eseng gore ba tsenngwe mo ditirong tse di tlwaelesegileng tsa go disa dikgomo ba santse ba le bannye, a tlatsa ka gore ke molato o motona go dira jalo. Fa a amogela baeng kgosi ya motse oo, Rre Mokhutshwane Komee o lekodisitse tona gore motse wa gagwe o na le batho bale 695, e le batho ba ba tshelang ka lenaneo la Ipelegeng, a tlhalosa fa mananeo a a mo motseng a nyeletso lehuma a sa dire sentle. O tlhalositse fa kgang kgolo e le lenyora, a bolela fa mo nakong ya gompieno ba thusiwa fela ke dipula tse di neleng gore ba kgone go nwa mo megobeng. A re fa e sale koporasi ya metsi ya Water Utilities e tsaya tiriso ya metsi mo kgaolong, ke mathata fela mo motseng wa bone. Kgosi o kopile gore ba direlwe fa go ka tlhatswiwang metsi teng ka a re bana le sediba se se ntshang metsi a mantsi, mathata a re ke gore a letswai mme ga a ka tlhatswiwa a ka ba lekana. O ngongoregile gape ka tsela a re e maswe fela thata. O ile gape a re ba sale ba kopile kagelelo ya polasi e ba nnang mo go yone ka a re ba tsentswe ke dipolasi fa gare. A re fa ele gore kgang eo e a pala, bogolo ba tlhalosetswe fa go ka seke go kgonagale. Mothusa mookamela tokafatso ya matshelo a batho Mme Mmaphefo Setabo-Kgetse, o tlhalositse ka melao ya tlhokomelo ya ngwana, a bolela fa e diretswe go rotloetsa le go sireletsa bana mo go sepe fela se se ka ba diragalelang. O kopile ba masika go emisa mokgwa wa go batla go tlhokomela bana ba gongwe ba tlogetsweng ke batsadi ba lebile dijo tse ba di fiwang mme tota ba sa ba neele lorato, a re go dira jalo ke molato o motona o motho a ka o sekisediwang. Mme Setabo-Kgetse o ba kgothaditse go dira dikomitsi tsa tlhokomelo ya bana mo motseng wa bone mme ba sa re ba tshwanelwa ke go duelwa ka jaana komiti eo e tla a bo e le ya go bona fela gore bana ba a tlhokomelwa, mme fa ba sa tlhokomele e le ba komiti ba ka tsaya kgato go thusa bana bao. O tsweletse a ba kopa go kgala thata mowa wa go baya bana letlhokwa kana go ba nyadisa ba santse ba le bannye, a re go dira jalo ke molato ka jaana go a bo go gatakwa ditshwanelo tsa bone. O ba kgothaditse gore ba seka ba aba bana le go baya monwana sepe se ba sa se tlhaloganyeng. Modulasetilo wa khansele potlana ya Maun Rre Galaletsang Mhapha o solofeditse banni ba motse gore khansele e tla a sala dikgang tsa bone morago go bona gore di a diragadiwa. Bokhutlo society 9 Kedikilwe o rolela sekole dimpho lick to see more pictures Mothusa tautona o roletse sekole se sebotlana sa Central kwa Palapye dimpho tsa boranyane jwa madi a a ka tshwarang P260 000 go tswa kwa khamphaning ya CSA. E rile a bua kwa moletlong oo, Dr Ponatshego Kedikilwe, yo gape eleng mopalamente wa Mmadinare, a tlhalosa fa a tsweletse ka go kgobakgoba fa morago ga ditiro tse dintle tse etlaareng mo isagong di solegela setshaba mosola, ka go fa ngwana mongwe le mongwe ditsompelo tsa thuto go mo ntsha mo lehumeng. Mothusa tautona a re thuto ke lemao le le ntlha pedi, le ka tlhaba kobo le moroki, a supa fa e tlhoka gore ba ba e neelwang ba e tseye ka matsetseleko le boikarabelo, ka go sa nneng jalo e ka ba tswa ka diphatlha tsa menwana. A re ga twe ba dipitse bonang ba dinao, a tlhalosa fa go tewa gore batho ba gopole ba ba dikobo dikhutshwane, gone gore go fokodiwe dipharologano fa gare ga mohumi lemohumanegi. A re mpho e e tlaa ba ntsha kwa morago le gone go tokafatsa matshelo a bana. O boletse fa se se tla thusa bana go ya pele le go tsena mo teng ga maranyane go itseela botsipa le boitemogelo le go bopa bokamoso jo bo rileng. O boletse gape fa se se tla thusa go fitlhelela tebelopele ya setshaba ya ngwaga wa 2016. Dr Kedikilwe o ne a kgothatsa setshaba go tshwaraganela kgodiso ya bana gotswa moding le gone go tokafatsa boleng jwa bone, a gatelela fa go dira jalo go ka ba fa boikarabelo, boitseanape le tebelopele mo thutong ya bone ka bophara le gone go e tsaya ka tlhwaafalo. O ne gape a re Rre Jacob Mothupi ke motshola sesikalala, ke mosupa tsela ya thuto ka maikaelelo a go e isa mankalankaleng; a re seo ke thuto, ngwao, bokamoso le gone go gasa lesedi la botshelo mo baneng. A re fa boranyene jwa dikhomputara bo le teng boka ntsha maduo a a eletsegang. O ne a re ele ruri motho yo o tshwanang le Rre Mothupi o a tlhokwa. A re seabe sa gagwe se tlhatswa pelo gape se tiisa moko. O boletse fa ba kompone ya CSA ba itebagantse gape le go rutuntsha batho ka tsa boranyane, ka go fa ba fa dikitso tse di farologanyeng ka boranyane jwa dikhomputara. A re ele ruri se ke lesego le le gaisang, bogolo jang ngwana wa Motswana a batla go bona thuto e tlhabologile ka go nna le seabe mo go e tlhabololeng le gore ere isagong bo Mothupi ba bangwe ba nne teng ba tle ba mo je boswa ba tsweledise. Mothusa tautona o ne a bua ka lenaneo la thuto le le sekasekilweng la 1992/93 le leneng le re batsadi ba tsengwe mo thutong ya bana ka go neelwa boikarabelo jwa go kopanela tsamaiso ya thuto le barutabana ka dikomiti tsa PTA. A re seo se ne sa tokafatsa seemo sa thuto fela thata sa e baya mo maemong a a kwa godimo. O ile a re maduo a lokwalo lwa bosupa mo sekoleng seo a lebega a ne a ya godimo, nako e nngwe a wele tlase mme a galaletsa barutabana gore mono ngwaga ba dirile sentle thata a bo a ba kgothatsa go dira le go feta; a ba rolelela didirisiwa tseo tsa maranyane. Fa a fa malebo, mopalamente wa kgaolo ya Palapye, Rre Moisarela Goya , o ne a re letsatsi leno re tsile go bona maduo a peo ya ga Rre Jacob Mothupi e e jwadilweng mo mmung o o siameng. A re itsholelo ya lefatshe e laolwa ke boranyane jo bo tshwaraganyeng, lefatshe ka bophara. O ne a kgothatsa barutabana le baithuti go dirisa didiriwa tseo ka kelelelo gore di tle di akolwe ke ba ba tlang kwa morago. A re gape di tsile ka nako e e siameng e sekole sa maranyane sa BUIST se simolotseng go bereka, a gatelela fa jaanong bana ba Central bone ba ya go tsena mo go tsa boranyane ka maitenogeleo a a kwa godimo ka ba tlaabo ba amule kwa moding. Rre Goya a re thuto eka tswakanya itsholelelo fa bana ba ka e tsaya ka tlhwaafalo, a fa sekai ka lefatshe la India le a reng boranyane jwa teng bo rutilwe bana, jannong ba tsholeditse itsholelelo ka go romela madi a mafatshe a sele kwa gae ka bokete, a re seo seka diragala le mono gae. O ile a kopa gore a letlelelwa go tswa ka mogopolo wa gore a ntlo eo ya maranyane e bidiwe “Jacob Mothupi Laborotary”. Mopalamente o ile a kopa dikopone tse dingwe go thusa go gokela boranyane jwa inthanete. O ne a kopa sekolo sa Central go se ikgagapelele boranyane joo jwa dikhomputara mme ba bo dirise le dikole tse dingwe tse di senang jone. education 4 Thapelo e ka thusa go lwantsha borukutlhi Maloko a dikereke tse tharo tsa semowa mo kgaolong ya borwa a ka thusa go lwantsha borukutlhi jo bo apesitseng kgaolo ya bone kobo ka letshoba bogolo jang jwa leruo. Go buile jalo kgosi ya Molapowabojang, Kgosi Kedirile Letshabo, kwa merapelong ya go rapedisa morafe wa Mosamowakwena fa a amogela dikereke tseo mo kgotleng ya bone bosheng. Dikereke tseo ke ya Memorial Apostolic, The Hill of God, le ya Bethesda. Kgosi Lesthabo o boletse fa borukutlhi jo bo diragalang kwa Mosamowakwena bo batla dithapelo, a re ba lela selelo sa khuruanyo ya meno ka ntata ya borukutlhi jo bo thobaetsang banni bosigo le motshegare. O boletse fa ba kopile gore puso e age ofisi ya mapodise mo Molapowabojang gore seemo se tle se bepe. O kopile dikereke go kopanya ditlhogo go bereka ka bongwefela ja pelo go rapedisa metse ee amelweng ke borukutlhi. O boletse fa mo baebeleng go na le melawana e e some go balelwa le ya gore o seka wa utswa, wa bolaya le go eletsa selo sa mong ka wena. Le fa gontse mookamedi wa kereke ya Memorial Apostolic, Bishop Morekisi Keleofile o boleletse phuthego gore ba bone go le maleba go rapedisa Mosamowakwena ka borukutlhi bo ile mogoletsa go na le metse ee mabapi. A re ba tseelwa ditsabone ba lebile fela ka matlho. Bishop Keleofile a re fa e le leruo lone ba le tsaya ko mahulong le mo sakeng tota, o boletse fa ba utswa dikgomo, dipodi, dikoko le mae a tsone, ditonki le bana tota. Ke sone ba gwetlhegileng go bitsa merapelo. A re dithapelo tsa modimo o ka thusa morafe wa ga bone. o boletse fa motlha o tla go tla go nyeletsa ba ba dirang melato. Mogolwane wa mapodise go tswa Lobatse Assistant Superintendent Benedict Matlho a re dipalo tsa borukutlhi di supa fa ka 2014 go nnile le borukutlhi jo masome a mabedi le borataro mo motseng o palo ya o ne e sa feteng makgolo a matlhano. Borukutlhi ja teng ke ja go tlhoka botho mo pepeneneng, bogotswana, dikgobalo tsedi potana, bogodu ja leruo le ditlhapa tse di masisi. Ramapodise o kopile barui ba kgaolo eo go tshuba le go tshwaya leruo la bone le santse le le botana, le go tlhokomela leruo la bone ko morakeng e seng go tlhatlhela ba bo ba di tlogela. O boletse gape fa bana ba rongwa motokwane le ditiro tse di maswe. Dikereke tseo di ne tsa etela sekole sese botana sa Mosamowakwena ko mogokgo Mme Phama Sepako yo a boletseng fa sekole sa bone se sa dire sentle mo dithutong mme matsapa e le gore batsadi ba roma bana boleo. Mme Sepako o boletse fa bananyana ba utswa dipensele, madi a barutabana, go lwa, matlhapa, go tshaba sekole le go goga motokwane. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Moepo wa Orapa o thusa baithuti Babereki ba lekalana la Central Workshop go tswa kwa moepong wa diteemane kwa Orapa ba ithaopetse go tlhokomela baithuti ba le babedi ba sekolo se segolwane sa Motsumi kwa Letlhakane. Maitlamo a a tserwe ngogola ke setlhopha sa borre le bomme ba le masome a mabedi le botlhano ba sena go dumalana ka moono wa go bona gore ba ka thusa jang mo setshabeng. Ba ne ba dumalana go batla bana ba le babedi ba ba nang le botlhoki kwa sekolong se segolwane sa Motsumi JSS, go ba tswa thuso. E rile a bua mo boemong jwa babereki ba ba ipopileng ba, Rre Gaolathe Matakata a supa gore ba ne ba bua le mogokgo wa sekolo seo, Rre Meshack Sechele, gore a thuse go tlhopha baithuti ba le babedi ba ba tlhokang thuso. Rre Matakata a re baithuti boo babedi ke basimane, mongwe wa bone o dira mophato wa bobedi fa yo mongwe jaanong a fetetseng kwa mophatong wa bone kwa sekolong sa Letlhakane Senior Secondary School. A re le fa gone go supagetse ba tswa mo malwapeng a itsholelo e e kwa tlase, sebe sa phiri ke gore ba ne ba sa akarediwa go thusiwa ke khansele. Rre Matakata o ne a supa fa maikaelelo a bone e le go tswelela le bana ba go fitlhelela ba fetsa sekolo, e bile ba le mo seemong sa gore ba ka kgona go ithusa mo botshelong, a bo e le gone ba ka tlhophang ba bangwe go ka ba tswa matshidiso. E ne yare a bua, a supa fa maikaelelo a bone ele go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba, le le rotloetsang setshaba go nna kutlwelo botlhoko. Rre Matakata a re ba itebagantse le go rekela bana paka yotlhe ya sekolo, diaparo tsa metshameko, dikobo tsa mariga, diaparo tsa kwa lwapeng, melora le tse dingwe tse ba di tlhokang, a tlatsa ka gore ba kopile batsadi gore bana bao ba nne mo sekolong gore ba kgone go bona sebaka sa go ithuta sentle le go somarela tse ba di abelwang. Mogokgo wa sekolo Rre Sechele o akgotse maiteko a babereki bao fela thata, a supa fa ba bolokile bana bao fela thata, ka seemo sa bone se ne se ka ba tlogedisa sekolo. A re seemo se ba neng ba le mo go sone se ne se dira gore ba lebege o kare ba kgethololwa mo baneng ba bangwe ka jalo ba ne ba nna ba sa wela maikutlo mme seo se kgoreletse dithuto tsa bone. BOKHUTLO society 9 Khansele potlana ya Mahalapye e sekasekile malapa a le 12 526 "Malwapa a le 12 526 mo metseng e le 29 kwa kgaolong potlana ya Mahalapye a setse a sekasekilwe ke ba boipelego. Modulasetilo wa khansele potlana ya Mahalapye, Rre Banthasetse Merementsi o tlhaloseditse BOPA gore mo malwapeng a 12 526, go kwadisitswe a le 10 952 gore ke one a tlaa abelwang dijo mo nakong eno ya kiletso mesepele go lwantsha kanamo ya segajaja sa COVID-19. Rre Merementsi a re ba boipelego ba tsweletse ka ditshekatsheko le kwadiso ya malapa mo metseng e e setseng. ""Re simolotse go abela malwapa a a kwadisitsweng morago ga go sekasikiwa ke ba boipelego, ka Labone. Re setse re simolotse go aba kwa metseng ya Tobela le Taupywe. Se re se dirang ke gore, dijo tse di a kgobokanngwa a bo di isiwa kwa malwapeng a a kwadisitsweng go netefatsa gore batho ga ba ye go tlala kwa marekisetsong ka gore ba tshwanetse go nna mo malwapeng,"" Rre Merementsi a tlhalosa. ""Re setse re bone dimausu le mabentlele a a tlaa re thusang ka dijo mo tirong e. Le bone re ba kopile go tsaya makwalo kwa ofising ya rona gore e re ba bua le ba marekisetso a matona go ba thusa ka dijo tsotlhe tse di tlhokegang, ba bo ba na le sesupo sa gore ba na le tumalano le rona ya go re thusa ka dijo,"" Rre Merementsi a kaya. O supile fa ba boipelego ba ne ba patelesega go aba dijo gone fela foo, mo malwapeng a le 138 a ba fitlhetseng seemo sa one se tlhokana le thuso ya dijo ka potlako, fa ba tsweletse ka ditshekatsheko. ""Ke na le tsholofelo e ntsi ya gore mo bekeng e e tlang, re tlaabo re setse re weditse go sekaseka le go kwadisa malwapa otlhe a a mo metseng e setseng ya kgaolo. Re tlaabo jaanong re simolola go tswela kwa ntle, re ya go dira ditshekatsheko kwa masimong le meraka,"" Rre Merementsi a tlhalosa. Go tlhofofaletsa ba boipelego tiro, Rre Merementsi o kopile banni ba Mahalapye go nna mo malwapeng, go itsa gore ba seka ba boela malwapa a go fitlhetsweng beng ba one ba seyo. Rre Merementsi o tlhalositse fa malwapa otlhe a ba boipelego ba fitlhelang go sena ope, a tlaa boelwa go sena go wediwa tshekatsheko ya malapa otlhe mo kgaolong. A re mo nakong ya gompieno, ba boipelego ba le 132 ke bone ba tsweletseng ka go dira ditshekatsheko le kwadiso ya malwapa kwa kgaolong. Mo badiring botlhe ba, a re ba le 70 ke badiri ba sennela ruri, ba le 57 ke badiri ba ba thapilweng ka nakwana ba ba weditseng dithuto tse dikgolwane, ba le bane ke badiri ba ba tlogetseng tiro ka bogodi, fa a le mongwe e le modiri wa kokelwana ya bana ya Baylor. " society 9 Seemo sa tsela se hutsafatsa banni Banni Ngware le Botlhapatlou mo kgaolong ya Kweneng ba lela ka seemo se se maswe sa tsela e e lomaganyang metse ya bone segolo jang ka dinako tsa dipula. E rile banni ba metse eo ba buwa mo diphuthegong tsa kgotla di buiisiwa ke Mothusa Tona wa Ofisi ya Merero ya ga Tautona,Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri kwa metseng eo ba ikuela ka seretse sese thetsweng gore se sentse tsela ya Botlhapatlou/Ngwarele le Ngware/Malwelwe Banni bare ba lekile go buwa nako e fitileng gore mmu o dirisitsweng go kata tsela o le seretse ebile o ya go thatafatsa dilo ka dinako tsa dipula mme boikuelo jwa seka jwa tsewa tsia, ba supa fa mo nakong eno sebata se tletse ba kaeeletswe mme go sena kwa ba bonang thuso teng. Mothusa Tona one a tlhaloganya bothata jwa batho ba metse eo jaaka fa a ne a nna le sebaka sa go dirisa tsela ya Botlhapatlou/Ngware koo goneng go bonala fela dikoloi tsa puso tsa di 4x4 tse le tsone dineng di goga ka bokete fa metsamao ya tsa beng ba tsone ene e eme tsi! Rre Matlhabaphiri o ne a supa fa a tlaa rolela lephata le le lebaneng bothata joo le ntswa a tlhaloganya fa kgang ya tlhaelo ya madi e santse e tsweletse ka go kgoreletsa maiteko ape ago dirwa ga ditiro tsa ditlhabololo. Kwa motseng wa Ngware banni mo go bone go le Rre Ntsimele Tsunke ba ngongoregile ka bogosi jwa Ngware gore bo ikgatholositse matshwenyego a morafe ka go sa rere kgotsa go lekodisanya le morafe ka dikgang tse di amang tlhabololo ya motse. Rre Ontiretse Kgothang le ene o supile ka monwana moemela kgosi mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Kgosi Itsoseng Gaoonwe gore le ene o kgathologile morafe o a o eteletseng pele are ere ntswa ele moemedi wa kgaolo kwa Ntlong ya Dikgosi ga ake a tsibogela go lekodisa morafe ka dikgang tsa kokopano jo Ntlo ya Dikgosi. Kgosana wa tetlanyo kwa Ngware Rre Nti Kelelekile o kopile puso go thwaafalela tlhabololo ya mabaka a tiro a dikgosana tsa tetlanyo go tshwana le a bodirela puso gore ba kgone go adima madi mo dibankeng le gone go nna le gratuity le leave. Ere ka jaana gotwe tsholofelo ga e tlhabise ditlhong, morafe wa motse wa Ngware o lebogile le iteela legofi tlhaloso ya Mothusa Molaodi wa Ditlhabololo tsa kgaolo ya Letlhakeng Mme Oritjiua Setekia gore dithulaganyo sa kago ya sekolo se segolwane kwa motseng oo di wetswe mme se ya go agiwa mo ngwageng wa madi wa 2014/15 Banni ba lebogetse tsholofetso eo ba supa fa ba tswa kgakala ba itaa mpipi agana go tswa lebadi digwaga dile lesome mme go se nko etswanang lemina jaanong ba tshepha fa karabo ya nako eno e se ya go ba ba ya bobi matlhong. Mabapi le matshwenyego a baapei ba borotho bam o gae gore khansele e ba phuagantse ka go sa reke borotho mo go bone ntle le morero, Mothusa Mokwaledi wa khansele ya Letlhakeng Mme, Ekannamang Ramasimong, o tlhalositse fa diphetogo tseo di bakilwe ke tlhalelo ya madi le gore seemo setlaa boela mannong mo tshimologong ya ngwaga o tlanag wa madi. Mafoko a malebogo a Mopalamenete wa kgaolo ya letlhakeng Botlhaba Rre Likat Kablay ene ya nna go kopa mothusa tona go bona gore lephata la Dikitsiso kwa Letlhakeng le rekelwa koloi a supa fa e teng e feletswe le lobaka e bile e ketefaletsa bodiredi tiro. Are go botlhokwa gore lephata leo le nne le ditsompelo tse di tshwana dikolo ka jaana ele lone Mapalamenete le Matona ba ikaegileng ka lone mo dithulaganyong tsa kanamiso ya diphuthego ka mananeo a puso disaster_accident_and_emergency_incident 2 Dikgwetlho di tshwentse mogokgo Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Etsha 13, Rre Isiah Njavera a re o tshwentswe ke dikgwetlho tse a lebanyeng natso jaaka moeteledi pele wa sekolo. O buile jaana mo phuthegong e e neng e tshwerwe mo kgotleng ke mokhanselara wa Etsha 13/ Jao, Rre Dikoro Ngunga, fa a lekodisa morafe ka dikgang tse di builweng kwa khanseleng gammogo le go tsaya megopolo mo go bone. Rre Njavera o ne a tlhalosa fa ba lebanywe ke kgwetho ya go tlhaela ga matlwana a borutelo mo go bakang gore bana bangwe ba rutelwe kwa ntle ntswa go le serame. O ne a tlatsa ka go re se se bakwa ke gore sekole se amogela bana ba le bantsi go fetisa jaaka se kgona. O ne gape a bua ka tlhaelo ya matlo a boroko a barutabana, a supa fa mangwe a one a tlhokana le go baakangwa. Are se se bakile gore barutana bangwe ba felele ba hirisa matlo kwa metseng e e mababi jaaka Etsha 6. Rre Njavera o ne a nankola fa ofisi ya ga mogokgo e le nnnye mme a patelesega go pitlagana mo go yone le mothusi wa gagwe. Fa a bua ka letlhoko la dibuka le didirisiwa dingwe tsa thuto, Rre Njavera o ne a re seo ke lengwe la mabaka a a bakang gore bana ba seka ba dira sentle mo dithutong. Rre Njavera o ne gape a bua a sa kgale mathe ka batsadi ba ba sa tlhokomeleng bana. A re bana bangwe ba tla sekoleng ba se phepha e bile ba sa apara diaparo tse di bothitho mo serameng. Rre Njavera a re o itemogetse dipalo tse di kwa godimo tsa bana ba ba tlogelang sekole mo dingwageng tse tharo tse di fetileng. Ka jalo o ne a kopa batsadi go thusa barutabana ka tlhokomelo. O ne a ba kopa gore ba nne ba etela bana kwa sekoleng kgapetsakgapetsa. O ne a re le fa go na le tlhaelo ya dijo kwa sekoleng, o na le tsholofelo ya gore seemo seo se tlaa baakanngwa, mme a kopa batsadi go fa bana sefitlholo pele ga ba ya sekoleng, a bo a konotelela kgang ya gagwe ka go itsese batsadi ka kwadiso ya bana ba ba tlaa bong ba dira lokwalo lwa ntlha ngwaga o o tlang. education 4 Batlhophisi ba rotloediwa go sala molao morago Batlhophisi mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba ba kopilwe go dira tiro ya bone ka tlhwaafalo, ba setse melao ya tlhopho morago. Molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Rapetse Mathumo le mokwaledi wa khansele ya kgaolo Rre Charles Amos, ba ntshitse kopo eo mo ithutuntshong e neng e rulagantswe ke ba ofisi e e ikemetseng ka nosi ya ditlhopho, kwa Domboshaba Lodge kgwedi eno e le masome a mabedi le boraro. Ba re batlhophisi ba tshwanetse ba netefatsa gore ba tsaya boikarabelo jotlhe le go nna kelotlhoko le pelotelele mmogo le go dira tiro ya bone ka maatlametlo, go hema diphoso tse di ka felelang di bakile mathata. Rre Mathumo o ne a supa fa tiro ya go tlhophisa e le masisi, ka jalo e tlhokana le go dirwa ka kelelelo. Molaodi o ne a supa fa matshelo a Batswana a tlaabo a le mo diatleng tsa bone, a re ka jalo ba seka ba bo ba letlelela phoso epe go diragala, ka seo se ka duba sengwe le sengwe mme le bone ba felele ba tsene mo mathateng a a seng kana ka sepe. Rre Mathumo o ne a rotloetsa batlhophisi bao go bala buka ya melawana ya ditlhopho gore e age mo ditlhaloganyong tsa bone, go direla gore sengwe le sengwe se ba se dirang, a bo e le se ba tshwanelwang ke go se dira; se tsamaelana le melawana eo ya ditlhopho. Fa gatelela dintlha tseo, Rre Amos o ne a kopa batlhophisi go tsaya boikarabelo jo bo kwa godimo, go dira tiro ya bone ba le tlhaga e bile ba sa sekamela ntlheng epe. A re tshaba ya lefatshe leno e sale e ipeetse seelo sa go tshegetsa ditlhopho tse di tsamaisiwang sentle e bile di gololesegile, ka jalo batlhophisi ba tshwanetse ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go dira tiro ya bone ka botswapelo, ba sa laolwe ke mabaka mangwe a botshelo. Rre Amos o tsweletse a ba rotloetsa go laola maikutlo a bone, go tsamaelana le tikologo e ba tlaabong ba direla mo go yone. A re ba tshwanetse ba simolola go beela kwa thoko diemo dingwe tse e ka reng ka letsatsi la ditlhopho tsa ba fudua. A re go dira jalo go ka ba thusa gore ba tle ba kgone go dira tiro ya bone ka botlalo mme ba tile go supiwa ka menwana, a bo a ba gwetlha go tshegetsa melaetsa e ba e amuleng mo ithutuntshong eo, a re go ka nna thona gore e re ba sena go fiwa dithuto tseo, ba bo ba tla ba itirelela fela ba itlhokomolosa melawana ya ditlhopho. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa ofisi ya ditlhopho mo Masunga, Rre Salini Bafaneli le ene o ne a kopa batlhophisi go dira tiro ya bone ka manontlhotlho, a re dikgwetlho tse ba ka kopanang le tsone di seka tsa ba faposa mo maikaelelong a bone. Rre Bafaneli a re, e re ka jaana bangwe ba bone ba kile ba tlhophisa mo ditlhophong tse di fetileng, fela go a tlhokafala gore ba rutuntshiwe ka jaana go na le diphetogo dingwe tse di nnileng teng morago ga foo. Batlhophisi ba ne ba itsesiwe gape fa ba tla fiwa sebaka sa go tlhopa kgwedi ya Phalane e le lesome le boferabobedi, mme ba ba ikwadiseditseng ditlhopho kwa kgaolong ya Tati Botlhaba, ba tla tlhophela kwa sekolong sa Shanganani JSS kwa Tsamaya,fa ba ba ikwadiseditseng kwa kgaolong ya Tati Bophirima bone ba tla tlhophela kwa Masunga, kwa diofising tse di kopanetsweng ke maphata, mo ntlong ya diphuthego tsa khansele, mme le ba bangwe fela jalo ba ka ya go tlhophela kwa dikgaolong tse ba ikwadiseditseng kwa go tsone. Bokhutlo politics 7 Ipaakanyetso ditshupo e tsweletse Ba-na-le seabe ba kopilwe go ema ka dinao le go dira ka natla go netefatsa gore ditshupo tsa kgaolo ya Kgalagadi Borwa di a atlega. Kopo e, e dirilwe ke modulasetilo wa komiti ya ditshupo, Rre Moses Chimbombi mo phuthegong ya babega dikgang bosheng. Modulasetilo o supile fa maikaelelo a bone e le gore ditshupo tsa kgaolo di tshwarwe ngwaga le ngwaga e le tsela ya go rotloetsa balemi-barui. A re di dikile di sa nna ka lebaka la go tlhoka go kopana le go lomagana sentle le ba tsaya karolo. Rre Chimbombi o ne a tswelela ka go tlhalosa fa komiti ya gagwe e tsweletse sentle mo paakanyong ya ditshupo tseo, tse di tlaa tshwarwang kgwedi e e tlang e tlhola letsatsi go fitlha kwa go a le mane. O solofeditse fa ditshupo tse e tlaa nna tsa maemo a a kwa godimo ka ba sa tswa go tsaya malebela kwa kgaolong ya Ghanzi. Modulasetilo a re sengwe se ba tswang go se ithuta kwa ditshupong tsa koo ke ka fa di tsamaisiwang ka teng, ka fa ditlhotlhwa tsa disupiwa di bewang ka teng, thulaganyo ya go dirwa ga masaka, mabelo a dipitse, kabo dikgele le tse dingwe. Rre Chimbombi a re ka tshwaragano ya bone le ba temo thuo tsholofelo ke gore balemi barui ba tle ka dipalo tse di kwa godimo go tla go supa tsa temo, tsa ditiro tsa diatla, diruiwa le tse dingwe. Rre Chimbombi o boletse fa mo nakong ya gompieno ene le ba komiti ya gagwe ba setse ba tsentse diphuthego tsa kgotla mo mafelong ka bontsi mo kgaolong ka maikaelelo a go gasa molaetsa le go tlhalosetsa morafe mo go tseneletseng ka ditshupo. O supile fa ba dikgwebo tse di potlana ba setse ba ikwadisitse ka dipalo tse di kwa godimo. A re tsholofelo ke gore dipoelo e tlaa nna tse di kwa godimo bogolo jang mo bagwebing ba maroko le babangwe ka jaana ba solofetse gore ditshupo tseo di tshologelwe ke bontsi go tswa mo lefatsheng leno le mafelo a a mabapi. politics 7 Lekgotla le ikaelela go bula mmmaraka Ba Tshukudu Horticultural Farmers Association ba ikaelela go bula mmaraka wa maungo le merogo kwa Francistown gore bagwebi botlhe ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba kgone go rekisa dithoto tsa bone teng. E rile a bua kwa ditshupong tsa temo thuo kwa Masunga bosheng, modulasetilo wa lekgotla leo, Rre Melton Bangale a bolela gore balemi ba merogo le maungo ba eleng maloko a lekgotla le ga ba na go tlhola ba letlelelwa go rekisa mo mekgwatheng mme go solofelwa fa ba tla tsisa thobo ya bone kw a mmarakeng oo. Rre Bangale a re dipaakanyo tsa mmaraka oo di weditswe mme o tshwanetse wa bula mo bogaufing jalo a supa fa go solofelwa gore balemi ba duela matsana a go nna leloko la lekgotla, selo se a reng se tla letlelela balemi go rekisa mo mmarakeng o. A re seemo sa loapi se se sa iketlang ke sone se se tshwenyang mo mohameng wa temo thuo, jaaka kapoko e e kileng ya wa bosheng e e amileng kgaolo eo gammogo le go tlhoka kwa balemi ba ka rekisang thobo ya bone teng. Mmaraka o tla thusa go batlela balemi ba kgaolo ya Bokone Botlhaba kwa ba ka rekisang thobo ya bone teng. Fa a ntsha la gagwe mongwe wa bagwebi, Rre Thuso Raditsebe yo o simolotseng kgwebo ya maungo le merogo ka 2008, kwa Matshelagabedi, a re go tlhoka kwa ba rekisang thobo ya bone teng ke kgwetlho e tona mo go bone gonne bontsi jwa mabenkele a matona bo tsaya maungo le merogo mo mafatsheng a a mabapi. Le fa go ntse jalo, Rre Raditsebe o ntshitse matshwenyego a gore balemi ba ne ba solofetse fa mmaraka o o tla bulwa Motsheganong monongwaga, se se dirileng gore ba leme go le gontsi. Molemi yo gape o kopile maphata a puso go ba rotloetsa ka go reka maungo le merogo ya bone. Molemi yo mongwe, Rre Enock Mosojane a re o solofela fa mmaraka o tla bulwa mo bogaufing go thusa go ba batlela kwa ba ka rekisang dithoto tsa bone teng. BOPA economy_business_and_finance 3 Lenaneo le tswa maduo Go tsibogela mokgosi wa ga tautona a lefatshe leno wa go agela ba ba tlhokileng lesego matlo go tokafaditse matshelo a ba bantsi. Se se buile ke mookamela kgaolo ya legare wa lephata la dikitsiso Mme Masego Pilane fa a bula semmuso ntlo e e agetsweng Rre Lefoko Dibebe wa kgotla ya Moumo kwa Serowe bosheng. Mme Pilane o tlhalositse fa maiteko a tshwana le a a dirilweng ke komiti ya ditlhabololo tsa kgotla eo a go agela Rre Dibebe ntlo ya kamore tse pedi a tswa tema. O tsweletse a re, “Matshelo a batho ba le mmalwa a setse a tokafetse morago ga gore Batswana,dikompone le makalana a inaakanye le lenaneo la ga tautona la go agela batlhoki matlo.” Mme Pilane o tlhalositse fa puso e ka seke ya kgona e le nosi bogolo jang morago ga kwelo tlase ya itsholelo, a tlatsa ka gore maiteko a go thusa ba ba tlhokileng lesego a botlhokwa. O supile fa maiteko a ele tsela nngwe ya go lwantsha lehuma le le apereng Batswana bangwe le e bileng puso ya Botswana e emeng ka dinao go le lwantsha. A re mowa wa go aba le go thusa ba ba tlhokileng lesego o rotloediwa ke botho le boipelego jo Batswana ba tswang kgakala ba ipelefatsa ka jone. Mme Pilane a re o dumela gore Batswana botlhe le bone ba tla a inaakanya le go diragatsa le go tlotlomatsa botho le boipelego jo ba itsegeng ka jone, a tlatsa ka gore se se dirilweng ke komiti e tshwanetse ya nna sekao mo dikomiting tse dingwe le morafe ka kakaretso. O rotloeditse Rre Dibebe go tlhokomela mpho ya gagwe. Mokhanselara wa kgotla ya Sunnyside, Rre Modisakgotla Makwati o gakolotse banni gore ba seka ba tsaya letshego la tebelopele ya setshaba le le rotloetsang gore batho ba kgathale ka bangwe ka bone e se sepe, a re le direletswe gore batho ba thuse ba ba tlhokileng lesego. Rre Makwati a re go thusa yo o tlhokileng lesego ga go itumedise ene fela mme go itumedisa mmopi wa lefatshe. Kgosi Mmuso Modise wa kgotla eo o ne a re komoti e supile tshwaragano le popagana e e mo pineng ya setshaba. A re fa popagano le tshwaragano e ka rena mo morafeng otlhe, matshelo a ba ba tlhokileng lesego a ka tokafala. Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa komoti eo, Rre Kebue Nata a re babereki ba Ipelegeng le morafe ba ne ba tsenya letsogo mo maitekong a go araba mokgosi wa go supa lerato. O tsweletse a tlhalosa gore komiti ya ditlhabololo tsa motse e eme ka dinao go thusa morafe ka ba setse ba agetse batho matlwana a boitiketso le go ba tsenyetsa dipompo tsa metsi. Rre Dibebe yo o nnang le bana le bana-ba-bana botlhe ba le masome a mabedi le bongwe o ne gape a amogela dimpho di akaretsa malao,diaparo,dikobo,ditilo go tswa mo bathong ka go farologana. Bokhutlo society 9 Lekgotla le beile mo Batswaneng go ikwadisa Mogolwane wa lekgotla le le ikemetseng la ditlhopho mo kgaolong ya Letlhakeng, Rre Gakenosi Motshwarakgole a re ba dirile maiteko otlhe a go lemotsha Batswana ka botlhokwa jwa go ikwadisetsa ditlhopho. Ka jalo a re go mo maruding a bone go ikwadisa go netefatsa gore ba diragatsa tshwanelo ya bone ya go tlhopha ngwaga o o tlang. Rre Motshwarakgole o buile se mo potsolotsong mme o ne a supa fa tlhopho e le motlhale o batho ba ka supang dikeletso tsa bone ka teng e bile e le tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe. O ne gape a kopa Batswana go ititaya ka thupana go netefatsa gore ba ikwadisetsa ditlhopho ka jaana ditlhopho di feela ditsela tsa gore ditlhabololo di nne teng gammogo le ditlamelo. O ne a rotloetsa Batswana go tsibogela go ikwadisetsa ditlhopho go sale nako go na le go emela motsotso wa bofelo ka jaana go kgona go nna le mosuke. Rre Motshwarakgole o supile fa ikwadisetso ditlhopho e e sa tswang go simologa kgwedi eno e tlhola gane e tsamaya ka lobelo le le kwa tlase fela thata fa go tshwantshwanngwa le dingwaga tse di fetileng. O supile fa bangwe ba akanya fa malatsi a go ikwadisa a le mantsi mme fela go sa nna jalo ka jaana go ka nna le mosuke o montsi ka malatsi a bofelo. O supile fa mafelo a ikwadisetso a bulwa le ka mafelo a beke go fa badirelapuso sebaka sa go ikwadisa ka jaana ba a bo ba tshwerwe ke tsa tiro fa gare ga beke. Le fa go ntse jalo,rre Motshwarakgole a re ntswa banni ba kgaolo ya Letlhakeng ba simolotse ikwadiso eo ka dipalo tse di boutsana, fela ikwadiso e simologile ka thelelo go sena mathata ape. Fa a itebaganya le banana ba lefatshe leno, Rre Motshwarakgole o supile fa ba ofisi ya ditlhopho ba setse ba itemogetse gore banana ga ba tlhophe ka dipalo tse di nametsang ka ba ntsha mabaka a a farologanyeng a gore ke eng ba le boitseme mo go tlhopheng baeteledipele ba bone,mme o ba kopile go boela seo morago mme fela ba iketleetse ka jaana tlhopho e le botlhokwa fela thata. Bokhutlo politics 7 UNICEF e retloetsa batsadi go tlhokomela bana ka tlhoafalo Mmueledi wa bana go tswa kwa lekgotleng la United Nations International Children’s Emergency Fund (UNICEF), Rre Peter Siele a re nako e tsile ya gore batsadi ba tseye tlhokomelo ya bana ba bone ka tlhoafalo go itsa go nna le bana ba go tweng ke bobashi le mathata a mangwe a a apereng bana. Rre Siele o buile jalo kwa phuthegong e e neng e tsenwe ke boeteledipele jwa Maun e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng kgolo ya Batawana bosheng, a re batsadi bangwe ba ikgatholositse boikarabelo jwa bone. A re batsadi bangwe ba palelwa ke go kgalemela bana fa ba simolola botsalano le borre ba dingwaga tse di kwa godimo ba sale bannye. O bile a gakolola gore nako e tsile ya gore go kopanelwe mogopolo go simolodisiwe dikomiti tse di tshwanang le ya VDC mme di lebanye le tlhokomelo ya bana. A re dikomiti tseo di ka thusa le gone gore di senole kwa ditagi di tshwana le motokwane le tse dingwe di rekisiwang teng. Rre Siele a re seo se ka thusa bana ka mo nakong ya gompieno e le bone ba ba sa robalelwang ke ditlhokwa, a tlatsa ka go re dikereke le tsone di ka thusa go kgalema bosula jo bo leng teng ka bana ba tshabelelwa ke dihawa, jaaka go thubega ga malwapa. A re go na le kakanyo ya go kopa puso go sekaseka go tlhongwa ga letsatsi la June 16 jaaka letsatsi le le faphegileng la go ikhutsa le go lemoga masula otlhe a a kileng a wela bana mo lefatsheng ka bophara. Rre Siele o bile a tlhalosa fa bana ba na le tshwanelo ya go itse batsadi ba bone ka bobedi go sa kgathalesege gore a ba nyalane kana jang. A re ke molato go lobela ngwana motsadi wa gagwe. O tlhalositse fa bone e le ba UNICEF ba sa fetole sepe fela mo molaong mme ba leka go tsweledisa fela le go kgothatsa batsadi gore ba itse botlhokwa jwa dikgang tsa bana ba bone. A re bana ba dirisiwa botlhaswa thata ka ba solofediwa dimpho tsa madi a a kwa godimo, a tlatsa ka go re go tlhabisa ditlhong gore e re motho a imisitse ngwana e bo e nna ene yo o sirelediwang. Kgosana Babinang Majatsie a re ke nnete gore bana ba a kgokgontshiwa, mme a re bana le bone ba reetse fa batsadi ba kgalema, a tlhalosa fa bangwe ba bereka ditiro tsa maemo mme ba tlogetse batsadi go nna batlhoki. Kgosana Elizabeth Sekeseke o ne a re ke matlhabisa ditlhong gore bontsi jwa borre ba dira bosetlhogo jwa go dirisa bana ba ba sa bueng e bile e le ba dingwaga tse kwa tlase thata. O bile a re borre ba ba dirang jalo ba tshwanetse ba fiwa dikatlholo tse di gagametseng, a re bogologolo bana ba ne ba apara makgabe, bangwe ditshega mme gone go sa nna jaaka gompieno. Rre Simon Gobera ene o kgadile thata melao ya lefatshe leno a re ke yone e neelang borre monyetla ka e sa gagamadiwa jaaka kwa mafatsheng a a mabapi. BOKHUTLO education 4 Olopeng o gakolola banana go tsaya malebela Mopalamente wa Tonota, Rre Thapelo Olopeng, o gwetlhile banana ba kgaolo eo go tsaya malebela mo matlhogotshweung. Rre Olopeng o buile jalo fa a ne a amogela molelo wa kgolagano ka Matlhatso. A re molelo wa kgolagano ke sekao sa gore fa o fetileng teng go sala go nna le maduo a ditso le ditlhabololo tse di tlaa salelang dikokomana. O rotloeditse banana go tla go tshegetsa boipuso jo bo tlaa tlang gape, jwa go ipelela dingwaga tse di masome a matlhano a a tlaa latelang go nna bone ba tsamaisang tiro eo ka botswerere a re dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe. Rre Olopeng gape o rotloeditse banana go emisa mokgwa wa botlhokatsebe, mme ba nne sekao sa go etelela lefatshe leno ka botho, lerato le bopelotelele a tlatsa ka gore ba ineele mo Modimong ka gore poifo Modimo ke yone tshimologo ya botlhale. O tsweletse a re letsatsi leo le botlhokwa ka jaana ba sa ipelele molelo wa kgolagano fela,mme ba ipelela le matsalo a ga Kgosi Ramosinyi Radipitse. Rre Olopeng o gakolotse Bakhurutshe gobopagana go nna tshaba e e nang le kgatelelopele, e na le botho,e bile e utlwana ka go nna pelotlhomogi mo go bangwe ka bone. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya BOT 50 Rre Boyce Sebetela, a re molelo o o setse o tsamaile malatsi a le 183 mme o saletswe ke malatsi a le 183 go tsena kwa Gaborone. Rre Sebetela a re se, se supa fa Tonota a le legare la go amogela molelo wa kgolagano o o tlang reng ka Lwetse a le masome a mararo monongwaga, Rre Olopeng a o amogele jaaka a ne a o amogetse go tswa kwa go Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama go o busetsa gape kwa go ene. A re tiragalo eo e supa fa seo e le boitumelo, jaaka ba ipelela masome a matlhano lefatshe leno le sena dikgogakgogano, a tlatsa ka gore ba tsamaya ba gakolola Batswana ka ngwao ya bone ya go itse gore ke bomang, ba tswa kae ,e bile ba ya kae. Rre Sebetela o tlhalositse fa ngwao mo nakong ya gompieno e fetogile go nna kgwebo jaaka dikhwaere di setse di feta masome a mane mo kgaolong, a re fa ba ka ikgobokanya ba ka betsa setlhako go oka bajanala. Kgosi Radipitse wa Tonota o amogetse morafe wa gagwe ka lefoko le le reng “Popagano ke Phenyo” ka jalo lesedi le tlaa sala le phatsima mo motsengwaTonota le fa o ka feta. Le fa go ntse jalo, Kgosi Radipitse o kgothaditse banana go ema ka dinao go anywa boswa jwa lefatshe la Botswana. O ba rotloeditse go sala ba godisa le go goga lefatshe leno, e seng go tsoga ba fetogile batshabi, a tlatsa ka gore molelo le fa o katima, lesedi lone le tlaa sala mo dipelong tsa bone. society 9 Dikgosana ga di itumedisiwe ke dikatso Dikgosana tsa tetlanyo mo kgaolong ya Nkange tsa re madi a dikatso a di a amogelang a mannye ebile a fitilwe ke tiro e ba e dirang. Ba ntshitse boikuelo jwa bone mo bokopanong jwa bone le Tona wa Pereko le Selegae, Rre Edwin Batshu, kwa Tutume ka Labotlhano. Ba boletse fa tiro e ntsi e dirwa ke bone ka batho ba feta ka bone pele ba ka ya kwa kgotleng e tona, ba re gape dikgang ka bontsi di kgona go rarabololwa ke bone kana go letlanngwa ke bone. Kgosi Morgan Kenalemang wa kgotla ya Timbi a re ka thulaganyo, ba tshwanetse go theogela malatsi a mabedi mo bekeng, mme seo ga se diragale ka batho ba nna ba batla thuso ya bone nako le nako, ka jalo ba nna ba le fa kgotleng letsatsi le letsatsi go thusa batho. A re lentswa madi ao a le mannye, ba ne ba kopa gore le bone e le dikgosi tsa tetlanyo ba thapiwe go nna babereki ba sennela ruri gore le bone ba tle ba akole dikatso tse di bonwang ke badirelapuso tse di tshwanang le madi a pension fa ba setse ba tlogetse tiro ka bogodi. Ba ile gape ba ngongorega ka melawana ya ditsheko tsa Setswana ba re ba e neelwa fela ba sa e tlhalosidiwe, mme e le yone e ba e dirisang go otlhaya badira melato. A re seo se ba ketefaletsa tiro ka ebile gape e kwadilwe ka sekgoa. Kgosi Alphonse Nsala wa Tutume, o ne a tlatsa ka gore le ba ba tlhongwang go nna dikgosi ga ba isiwe ikatisong go ba suga gore ba itse tiro, a re tiro ya bogosi e masisi bogolo jang fa go tla mo dikgang tsa ditsheko ka di batla motho a tlhaloganya a na le kitso ka tsamaiso. Dikgosi di ne gape di ne tsa supa ba lephata la kgaso ba re ga ba tsibogele diphuthego tsa mopalamente wa kgaolo lentswa a le tona. Ba re seo ga se ba itumedise ka ba akanya fa kgaolo ya bone e sa tsewe tsia. Fa a tsibogela mangwe a matshwenyego a dikgosi, Tona Batshu o ile a ba kopa go bopa lekgotlana la dikgosana gore ba kgone go nna lentswe le le lengwe. politics 7 Se tseeng ba ba nang le mogare ka letsogo la molema Balemi ba kgaolo ya Machaneng ba rotloeditswe go lema dijalo tse di kgonang go itshetlela mo nakong eno ya phetogo ya loapi. Se se builwe ke molemisi wa kgaolo ya Machaneng, Mme Kebaemetse Motemane kwa masimong a Tumasera/Seleka kwa balemi ba neng ba fiwa dithuto ka didirisiwa tsa temo, methale ya temo le go somarela bokgola mo mmung bosheng. Mme Motemane a re balemi ba tshwanetse go jala dijalo tse di kgonang go lepalepana le diphetogo tsa loapi tse di akaretsang mogote o o feteletseng le dipula tse di boutsana. A re dijalo di tshwana le lebelebele, mabele, dinawa le letlhodi ke dingwe tsa tse balemi ba rotloediwang go di lema. O kopile balemi go somarela bokgola ba dirisa ripara ka e bile e thusa gape le go thuba legogo le le ikadileng kwa tlase ga mmu. Molemisi o ne gape a supa matshwenyego ka balemi ba ba ’bete se molangwana go lema ka ditselana, ba re go isa thobo ya bone kwa tlase. A re thobo e isiwa kwa tlase ke bangwe boradirekere ba ba sa itseng go lema ka ditselana. A re bangwe dipolantere tsa bone ga di ntshe dipeo mme go bo go sa tlhoge. Mme Motemane a re balemi ba felela ba gasa ba tlhobogile temo ya ditselana. A re fa go lengwa sentle ka ditselana thobo e nna botoka e bile molemi o kgona go tlhagola sentle a tsamaya mo ditselaneng tse di fa gare ga dijalo le gone go tshela chefi mo dijing. Rre Sebaga Monyena, yo e leng moitseanape wa didirisiwa tsa temo mme a direla kwa Serowe, o ne a supa fa matshwenyego a kgaolo ya bone ka kakaretso e le tiriso ya dipolantere, dinako tsa go jala, kgang ya go itepetepanya le tsa tepo-loapi, go somarela bokgola le didirisiwa tse di somarelang bokgola. Rre Monyena a re bontsi jwa balemi ga ba na didirisiwa tsa temo tse di dirisiwang go somarela bokgola, fa ba bangwe ba na le tsone mme ba sa itse go di dirisa sentle. O ne a ikuela mo baleming go adimana kana go thusanya le gone go rutana go dirisa didiriwa tsa temo. Rre Monyena o ne a supa fa mo bontsing jwa masimo a go neng go direlwa dithuto mo go one, go na le diphatlha fa gare ga dijalo tse di lemilweng mme go supa fa polantere e ne e sa dirisiwe sentle. A re seo se gwetlha molemi gore a bone gore o kaba diphatlha tseo jang. O ne a ikuela mo go boraditerekere go emisa kgang ya go phaka masimo ka e ba diela go lema. A re bangwe ba kgona go lemolola masimo a le mantsi mme kwa bofelong ba bo ba tsaya sebaka se seleele ba sa a leme mme seo se babalele balemi. Rre Monyena o ne gape a gakolola boraditerekere go lemela balemi ba ba gaufi le bone go itsa ditshenyegelo tsa leokwane. A re bangwe ba kgona go tshela leokwane mo diterekereng mme fa ba tshwanetse go tsena gautshwne go lema ba tsamaya sekgala se seleele ba ya go lemela ba masimo a a kgakala ba bo ba lela ka leokwane. health 6 Koki pottery e a solofetsa Ba-na-le bogole ba tsweletse ka go itirela ka diatla. Mme Koketso Ntoka kwa Kanye ke mongwe wa ba ba sa eletseng go nna bophokojwe ba morago, ka jalo a simolotse kgwebo go tshetsang. Ka menwana e le metlhano fela ya letsogo la moja o dira bokgabane le bonokopila go itshetsa, a sa inyatse gore ke mo-na-le bogole. Mme Ntoka yo o nang fela le menwana mo letsogong la moja morago ga go kgaoga seatla sa molema, o bopa dijana tsa mabeelo a dithunya, mabeelo a mekgabisa, dikotlele le dipitsa tsa dithunya tse di kgabisang ga reng ga tse dinngwe a dirisa dipampiri tsa mae le tsa dikgang tse di sa tlholeng di le mo tirisong abo a kgabisa ka dipeo tsa ditlhare. O dirisa dipeo tsa ditlhare tsa mokabi, modubana, jacaranda le Christmas tree tse a di kopang mo dijarateng tsa batho fa tse dinngwe a di sela mo nageng. Mme Ntoka a re o simolotse tiro ya botaki ka 2013, mme ka ntlha ya gore o ne a sa ipapana sentle, kgwebo ya seka ya tsamaya sentle ka jalo ya phutlhama, a bolela fa monyenyo le kamogelo e ke tsone tse di gorosang bareki le barotloetsi sentle mo madirelong a gagwe a Koki’s Pottery a jaanong a mo jensang. O tlhalositse fa a ne a tsosolosa kgwebo ka 2015 mme ya mo fa tsholofelo ka jaana a ne a atolositse ipapatso e bile a reketse kgwebo ya gagwe tsotlhe tse ditlhokegang ka a ne a ntse a e kokotleletsa ka go bereka ipelegeng ka nako ya fa e phutlhame. Mme Ntoka a re o bapatsa kgwebo ya gagwe mo maranyaneng a facebook, dikarata tsa ipapatso ga mmogo le mo ditshupong ka go farologana. A re go tsaya karolo mo ditshupong go mo thusitse thata ka ipapatso le go mo tiisitse moko le go mogodisa mo a feletseng a ikgapetse dietsele di le mmalwa a supa ga ngwaga o o fetileng a ne a tseneletse ditshupo tsa bomme mme a gapa maemo a ntlha. O tlhalositse fa gangwe le gape a tsaya karolo mo ditshupong di le mmalwa tse di rulaganngwang ke maphata a puso ka go farologana jaaka la nyeletso lehuma, LEA, lephata la bong ga reng ga a manngwe. Mme Ntoka a re letseno le a le bonang mo thekisong le a nametsa ka jaana go sa tshwane le fa a ne a ntse ka mabogo ka jaanong a setse a kgona go itshetsa le ba lelwapa la gagwe. A re tiro ya gagwe e tlhoka lerato le bopelotelele ka gore malatsi a manngwe o kgona go lala a dira bosigo fa tse dingwe dithoto di tsaya beke gore di bo di ka rekisiwa. A re kemonokeng le thotloetso o di tsaya mo go morwae ka jaana a sa mo felele pelo e bile a mo thusa bogolo jang ka tsa ipapatso ya maranyane. Mme Ntoka a re keletso ya gagwe ke go thusiwa ka lefelo le a ka direlang mo go lone ka jaana ko lapeng a sena mabeelo a lekaneng, a kaa gape fa a eletsa go ka thusiwe ka mnaneo a puso go godisa kgwebo ya gagwe “Ke simologetswe ke bogole ka 2005 morago ga gore ke kgaoge seatla kwa tirong kwa Gaborone,” a bolela. O supile fa go mo tsere sebaka gore a ikamogele mme ka sengwe le sengwe se na le paka ya sone, o ne a ikamogela le go tswelela pele le leeto la botshelo. “Ke ne ka tsaya botshelo jwa me ka bo bapisa le jwa tshoswane mme ka bona gore ga nkake ka gaisiwa ke setshidinyana se sennye jaana ka go itirela ka jalo ka ikemela ka dinao go itshetsa,”a latlhela. Mme Ntoka o gakolotse ba-na-le bogole jaaka ene go itsaya tsia, ba tlogele go inyatsa gape ba batle senngwe se ba ka se dirang go ba ntsha mo kgatelelong ya maikutlo le go le lehuma. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Ba amogetse molao-kakanyetso Banni ba Ghanzi ba amogetse molao-kakanyetso o mosha wa dinako tsa go bulwa ga marekisetso a bojalwa ba supa fa molao o tsile go tsisa pharologanyo e e molemo mo dikgwebong tsa bone. Ba buile jaana mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mothusa mokwaledi mo lephateng la peeletso papadi le madirelo Mme Ontlametse Wards mo Ghanzi bosheng kwa ba tlhalositseng fa dinako tse disha di siame e bile di tsile go oketsa dipalo tsa babereki ba madirelo ao. Banni ba ne ba kopa gore go okediwe nako ya Ba ne ba kopa gore dibara di bulwe ka 8am e seng 12 gore ba kgone go bona dipoelo ka fa di bulwa ka 1200 ga ba nne le dipoelo tsa sepe, mme ba kopa gape gore go fokodiwe ditlhwatlhwa tsa bojalwa ka jaana e le tsone tse di dirang gore batho ba simolole go goga metokwane le tse dingwe ka di se turu. Ba kopile gore dinako tsa majalwa a Setswana di simolole mo mosong jaaka bogologolo ka jaana go na le ba ba tshetsang malwapa a bone ka go rekisa bojalwa ka jalo go tshwanetse ga bulwa ka dinako tse di siameng gore ba kgone go tsenya letseno. Banni ba ne ba kopa gore Batswana ba rutwe ka tiriso ya bojalwa le bodiphatsa jwa jone mo botsogong. Ba ne ba supa fa ba itumeletse therisanyo e, ka e le tsela ya go akaretsa maikutlo a setshaba sotlhe fa go dirwa molao. E rile Mme Wards a ntsha la gagwe a tlhalosa fa ba tsamaya le lefatshe ka bophara ba tsaya maikutlo ka molao-kakanyetso wa dinako tse disha tsa go bulwa ga marekisetso a bojalwa, a ba solofetsa fa a tla isa megopolo ya bone go sekasekwa. A supa fa go le botlhokwa gore Batswana ba rerisiwe ka melao gore le bone ba nne le dipaakanyo le dikgakololo tse ba di ntshang. O bolela fa gape therisanyo e le go lekodisana ka diphetogo tse di tlang gore ba seka ba di bona fa molao o bereka mme ba sa rerisiwa go le pele. Mopalamente wa kgaolo ya Ghanzi Bokone Rre Noah Salakae o ne a leboga therisano, mme a kopa gore go lebelelwe kgang ya gore kgwebo ya bojalwa ga e a tshwanela go bapa le dikereke, dikole le tsela e tona. A re paakanyo ya melao e fitlhela ditlhabolo tse dingwe di le teng. Mopalamente Salakae o ne a batla go itse gore fa go okediwa dinako tsa thekiso ya bojalwa a go ne ga sekasekwa pele, e sere kwa morago ga nna le mathata. O ne a kopa bodiredi jwa molao ba byelaw le mapodisi go dirisana sentle le morafe fa ba diragatsa molao. economy_business_and_finance 3 Batswana ba rotloediwa go ikanya Modimo Batswana ba kgothaditswe go ikanya Modimo ka ele ene a ka kgonang mathata otlhe a batho ba tsayang gore ga a kake a fenngwa go akarediwa le malwetse tota. Mo pulo semmusong ya kgwedi ya merapelo kgatlhanong le bolwetse jwa HIV/AIDS kwa mDitshegwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, moruti wa Independent Assemblies of Botswana, Rre Alec Motlotlegi o boletse gore motho wa nama le madi o lekile bojotlhe go ka senka molemo o o ka alafang bolwetse jwa AIDS mme go padile, ka jalo ke gore go lejwe kwa Modimong ka ke ene fela a le nosi yo a tshotseng tharabololo ya sennela ruri. Moruti Motlotlegi yo gape e leng mooki kwa kokelwaneng ya Ditshegwane, a re go supa sentle fa Modimo a tshotse pholo ya bolwetse jwa HIV/AIDS ka jaana mo nakong eno bomme ba ba tshelang ka mogare wa HIV ba kgona go ima ba bo ba tshola masea a a itekanetseng a sena mogare oo le gone gore ba kgona le go amusa ka lebele mme ba feletse ba sa fetisetse mogare kwa maseeng a bone. O tsweletse a re tse tsotlhe ke ditiro tsa Modimo, mme e bile go supa fela sentle gore pholo e teng. A re fa a ka ikokobeletswa, mongwe le mongwe a tlogelwa ditsela tse di maswe, Modimo o ka tsisa mowa wa kutlwelo botlhoko mme a fodisa lefatshe leno. E ne e rile a ntsha maikaelelo a letsatsi, modiri go tswa kwa ofising ya molomaganyi wa mananeo a bolwetse jwa HIV/ AIDS mo kgaolong ya Letlhakeng, Rre Onkabetse Ntswetswe, a bolela fa se e le go tla go itshekatsheka go bona gore a go nale kgatelopele mo go fokotseng kanamo ya mogare gammogo le gone go tla go rebola go tshwarwa ga merapelo mo mafelong ka go farologana. A re mo merapelong e, mongwe le mongwe o tshwanetse a nna le seabe go kopa Modimo go fodisa bolwetse jo. O boletse fa dipatlisiso di supile fa kanamo ya mogare wa HIV e santse e itshupa e gola mo lefatsheng leno ka bophara go akarediwa le yone kgaolo e ya Letlhakeng e ka tlwaelo e nang le dipalo tse di kwa tlase tsa go anama ga mogare. Rre Ntswetswe a re ke sone se go kopiwang dikerekeng ka go farologana go simolodisa merapelo mme go solofetswe gore e tswelele go fitlha malatsi a le masome mabedi le bongwe. Fa a ntsha malebo, mokhanselara wa kgaolo, Rre Tsabahule Kgothang o kopile setshaba go ema ka dinao go thusa mo ntweng e, a bolela fa puso e le nosi e ka se kgone go tlhabantsha le go fenya bolwetse jo. Mokhanselara Kgothang a re ka tsone dikereke, mapolotiki, makgotla a a ikemetseng, puso le setshaba ka kakaretso, ntwa e ka fenngwa ga bo ga lebalwa, sengwe le sengwe sa boela mannong. BOKHUTLO health 6 Elang tlhoko batho ba ba botlhabetsi - Reatile Maloko a phati ya Botswana Democratic Party (BDP) a gakolotswe go ela tlhoko batho ba ba botlhabetsi mo phathing ya bone. Mafoko a, a builwe ke Mopalamente wa Ngwaketse Bophirima, Rre Mephato Reatile, mo phuthegong ya phatlalatsa ka Sontaga, kwa Molepolole. Rre Reatile o boile gape a gakolola maloko fa phathi ya Domkrag e tsere tshwetso ya gore go buiwe le batho ba ba batlang go nna mekoko go sa ntse go na le nako, gore maikutlo a bone a kokobele go ise go iwe kwa ditlhophong. Le fa go ntse jalo, o kopile maloko go seke ba reetsa dikgang tse eseng tsa nnete tse di buiwang ke ba kganetso. A re lefatshe leno ke lone fela le batho ba kgonang go bona bongaka jwa tlhwatlhwa e e kwa tlase. O gateletse gape gore batho botlhe mo lefatsheng leno ba akola mananeo a BDP go sa kgathalesege gore ba mo diphathing dife. Ka jalo, Rre Reatile o kgothaditse maloko gore ba tlhagafalele go bereka thata go ya ditlhophong tsa monongwaga. A re o dumela gore phathi ya BDP e tla fenya ditlhopho mo kgaolong ya Borakalalo ka e ya go emelwa ke batho ba ba nonofileng. E rile a tswa la gagwe mopalamente wa kgaolo, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri, a rotloetsa maloko a kgaolo ya gagwe ya Molepolole Bokone go ya go tlhopha konopo e khibidu, a kaya fa e le yone konopo ya botshelo. A re ba rekisa phathi e e iseng e fetole leina, le fa e le sekano. O boile gape a tlhagisa maloko gore ba seka ba tlhopha batho ba ba ditlhapa ka ba sa supe boikarabelo jwa go ka goga lefatshe. A re bone mo Domkrag ga ba rotloetse botho jo bo makgwakgwa e bile ba ka seke ba ikoketse marago ka matlapa. Bokhutlo politics 7 Palo ya ba-ema-nosi e godile Mogolwane wa ofisi ya ditlhopho, Rre Dintle Rapoo o supile fa dipalo tsa mekoko kana ba-ema-nosi mo ditlhophong di oketsegile. Rre Rapoo o buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Hukuntsi bosheng. A re go setse go ikwadisitse ba-ema-nosi ba mapalamente ba le masome a mabedi mme mo ditlhophong tse di fetileng go ne go ikwadisitse ba le lesome le bobedi, fa ba makhanselara ba le lekgolo, masome a a ferang bongwe le boferabobedi kgatlhanong le lekgolo, masome a mabedi le bone ka ditlhopho tsa 2009. O kopile tirisanyo mmogo a bo a tswelela ka go kgothatsa banana go ikwadisa ka dipalo di supa fa ba le maoto a tshupa go ikwadisetsa ditlhopho ntswa e le bone baeteledipele ba kamoso. O kopile maitshwarelo mabapi le tiego ya ipaakanyetso ditlhopho e e bakilweng ke gore go ne ga nna le palo batho e e dirwang morago ga dingwaga tse some ka 2011. O ne a tlhalosa gore kgaoganyo ya melelwane ya botlhophi le yone ke nngwe ya dilo tse di dirileng gore ipapatso ya bone e diege. Rre Rapoo a re ipapatso ya ditlhopho tsa monongwaga e nnile lolea mabaka e le letlhoko la madi kwa ofising ya IEC. O tlhalositse fa ba ne ba tsibogela seemo sa gore Batswana ga ba a ikwadisetsa ditlhopho ka dipalo tse di nametsang ka go ikwadisitse fela ba le 666 886 fa IEC e ipeetse seelo sa sedikadike ka Batswana ba ba mo seemong sa go tlhopha ba le 1.4 million. A re e rile go lemoga se ba rulaganya tlaleletso ya ntlha ya ikwadiso ditlhopho e e gogileng malatsi a le some e le yone e neng ya seka ya kgona seelo sa bone. O tlhalositse gape fa IEC e bonye go le maleba go rulaganya tlaleletso ya bobedi e bile e le ya bofelo ya ikwadisetso ditlhopho e e tlaa simololang Motsheganong a rogwa go fitlhelela a tlhola lesome le bobedi. Fa a ntsha la gagwe, mogolwane wa ofisi ya ditlhopo ya Kgalagadi, Mme Francinah Moeletsi,o supile fa dibuka tse di supang ba ba ikwadisitseng di le teng mo dikgotleng mme a rotloetsa batho go di tlhola go bona gore a maina a bone a kwadilwe sentle mme e re go sa nna jalo ba dire dipaakanyo nako e sale teng. A re ba dirile maiteko a go rotloetsa banana go tlhopha ka ba tlhomile monana yo e tlaa reng ka nako tsa diphuthego a bo a le teng go ema banana pele ka lefoko mabapi le mosola wa go ikwadisa le go tlhopha. Bagolo ba motse ba supile fa ba belaela gore kgaoganyo e ntsha ya melelwane ya ditlhopho e na le seabe mo go sa ikwadisetseng ditlhopho ka dipalo tse di utlwalang ga batlhophi ka ba sa itumedisiwe ke ka fa go kgaogantseng ka teng. Fa a ntsha la gagwe, Rre Famber Tshiamonyane o supile ngongora a re ditlhopho di tshwarwa letsatsi le le lengwe fela mme se se baya ba ba tshwaregileng ka mabaka a a farologaneng ka fa mosing. O rotloeditse banana go ikwadisetsa ditlhopho ka a re go supa kgolo mo mothong le boikarabelo. BOKHUTLO politics 7 Ba itekodisa molaodi Modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse wa Makuta mo kgaolong potlana ya Tutume, Rre Alakanani Thabiwa, a re motse wa bone o beilwe semmuso ka 2005 mme le fa go ntse jalo ditlhabololo di santse di saletse kwa morago. E rile a lekodisa molaodi wa kgaolo, Rre Michael Chilimba ka ditlhabololo tsa motse mo phuthegong ya kgotla bosheng, Rre Thabiwa a re ba tlhaloganya fa itsholelo ya lefatshe leno e santse e le kwa tlase, ka jalo ba kgonne go itirela dingwe di le mmalwa go leka go tlhabolola motse wa bone. Rre Thabiwa o tlhalositse fa ba kgonne go aga matlo a polokelo a le mabedi kwa kgotleng, ntlwana ya boiteketso ya metsi le ntlwana e nngwe ya lefuti kwa mabitleng. O tsweletse a tlhalosa fa ba solofeditswe dilo di le mmalwa di akaretsa go tlhabololwa ga kgotla mme le jaana go ise go dirwe. O kopile gore kokelwana ya nakwana (mobile clinic) e fetolwe e nne kokelwana e e ka thusang bosigo le motshegare. A re, kokelwana eo, e bulwa gangwe fela mo bekeng ka jalo balwetsi ba tlamega go etela dikokelwana tse dingwe mo metseng e e mabapi . O tsweletse a tlhalosa fa ba tlhokana le molemise, mmaboipelego le mokenti. Fa a ba kgwa kgaba, Rre Chilimba , o ne a akgola ba komiti ya ditlhabololo tsa motse fela thata , a bolela fa ba dira tiro e ntle e bile e eletsega. O ba tlhaloseditse fa itsholelo ya lefatshe e santse e le kwa tlase mme le fa go ntse jalo a tla fetisetsa dilelo tsa bone kwa go ba ba maleba politics 7 Mapodisi a kopa badirisi ba tsela go ipabalela ka malatsi a Keresemose Mothusa ramapodisi a Sejelo kwa Kanye o kopile badirisi ba tsela go dirisanya sentle mo ditseleng le go ela tlhoko matshwao a tsela ka malatsi a Keresemose le ngwaga o mosha. Assistant Superintendent Ernest Sesinyi a re mapodisi a tlaa bo a le malala-a-laotswe mo ditseleng go tlhomamisa gore setshaba se sireletsegile a gatelela gore ba ba tsayang loeto lo lo leele ba tsamaeye ba tla ba itapolosa mo tseleng. Rre Sesinyi o tlhalositse fa ngwaga le ngwaga ka nako eno e le ba sepodisi ba lekola dipalamo bogolo thata tsa setshaba go netefatsa gore di mo seemong se se siametseng go rwala setshaba ka malatsi a Keresemose. Ka jalo o kopile bakgweetsi go dirisanya sentle le bone fa ba ba emisa ka maikaelelo a go lekola dikoloi tsa bone gore a di siametse go ka dirisiwa gape o gwetlhile bakgweetsi go emisa go nwa bojalwa fa ba kgweetsa. Mo go tse dingwe, Rre Sesinyi o gakolotse setshaba go netefatsa gore ga ba tlogele malapa a le nosi ka nako ya Keresemose go thibela gore dirukutlhi di sale di ba senyetsa. A re go botlhokwa gore ba ba nnang ba le nosi ba hire dikompone tsa itshireletso(security company) gore di sale di ba tlhokomeletse ka nako ya fa ba seyo. Rre Sesinyi gape o gakolotse gore dikomiti tsa ntebelakegolebele le tsone di ka thusa ka e bile di rotloetsa bojammogo fa gare ga baagisanyi. Gape o gakolotse basetsana go fokotsa go tsamaya bosigo ba le bosi a re selo seo se ka tsenya matshelo a bone mo diphatseng di tshwana le petelelo. Rre Sesinyi gape o tlhagisitse batsadi go ela bana ba bone tlhoko ka malatsi ao go tlhomamisa gore ba babalesegile. O bile a kopa bareki go tshwara madi ka kelotlhoko go itsa go oka dirukutlhi. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Temo ya merogo e bokete Temo ya merogo e na le dikgwetlho tse dintsi. Rre Cosper Magaya yo o lemang merogo kwa Sekgopa, gaufi le Botalaote mo kgaolong ya Bokone Botlhaba a re dikgwetlho di fekeetsa dipoelo tsa balemi ba merogo ba neng ba ka di bona mo temong ya bone. Rre Magaya, yo o tlholegang kwa Zimbabwe mme a nna e bile a berekile mo mafelong a a farologaneng mo Botswana fa e sale 2007, a re fa a tshwantshanya seemo sa mo Botswana le sa kwa ga bone, mo Botswana go na le mefuta e mentsi ya diji le malwetse a mantsi a a kgoreletsang mhama wa temo ya merogo. A re bothata jo ke jone jo bo dirang gore ditlhwatlhwa tsa melemo ya diji le malwetse di ye kwa godimo, mme seo se tlame balemi go senya madi a mantsi le maiteko a mangwe mo go lekeng go tlamela dijwalo tsa bone. Bothata jo bongwe jo a bo boneng faesale a nna mo Botswana ke tlhaelo ya mmaraka wa merogo A re bothata jo, bo okediwa ke gore mabenkele a matona mono, a ikaegile thata ka merogo e e tswang kwa mafatsheng a a gaufi jaaka South Africa go na le go ema nokeng balemi ba mo gae ka go reka mo go bone. Kwa Ebenezer Greens, temo ya merogo e a e simolotseng ngwaga o o fetileng ka Sedimonthole, Rre Magaya a re o ne a nna le bothata jwa banana ba Batswana ba ba sa batleng go dira ditiro tsa diatla tse di jaaka tsa temo-thuo, selo se a reng se dira gore babereki ba seka ba nna lobaka lo lo leele ba le mo ditirong tsa bone. Mathata a mangwe a ba kopanang le one kwa polaseng ya Ebenezer Greens Farm, ke tlhaelo ya didirisiwa tse di ka hirisiwang jaaka diterekere. A re seo gantsi se dia tiro ya go lemolola masimo gore go tle go jwalwe. A re tlhaelo ya metsi mo sedibeng se se mo tshimong ke nngwe ya dikgwetlho tse di fokotsang selekanyo sa lefatshe le a ka le lemang. Le fa a faraferwe ke dikgwetlho tse, Rre Magaya yo o nang le dithutego tsa Degree in Agriculture Management o na le tsholofelo e ntsi thata gore o tlaa fetola tshimo ya gagwe go nna e e ntshang dipoelo ka dipatlisiso le dikanoko di supa fa merogo e na le dipoelo tse dintsi mo Botswana. economy_business_and_finance 3 Makhanselara a amogela pego ya kgaoganyo ya madi Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba a amogetse pego kakanyetso ya kgaoganyo ya madi a ditiro tsa khansele ya ngwaga wa 2019/2020. Ba amogetse pego, ee neng e rolwa ke modulasetilo wa komiti ya madi, Rre Dumani Kelepi mo phuthegong e e faphegileng ya khansele bosheng. Rre Kelepi o ne a tlhalosa fa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae le laetse khansele go fokotsa madi a ditiro tsa yone ka bongwe mo lekgolong. Ka jalo go nnile le phokotsego mo ngwageng wa madi wa 2019/2020 fa go tshwantshanngwa le ngwaga ono. Rre Kelepi a re phokotsego e dirile gore khansele ya Bokone Botlhaba e bone P164 955 490 go ka kgaoganngwa maphata otlhe a yone. A re ditiro dingwe tsa khansele ga di na go diragadiwa, a tlatsa ka gore go botlhokwa gore bonnye jo bo leng teng bo dirisiwe ka kelelelo. “Mo kgaoganyong ya madi go ya ka maphata a khansele, maphata mangwe a tlaa bona koketsego, fa a mangwe a tla bona phokotso ya madi,” ga tlhalosa jalo Rre Kelepi. O tsweletse a tlhalosa fa lengwe la maphata a a okeleditsweng madi mo ngwageng ono e le la boipelego le tlhokomelo matshelo a batho ka jaana le tlaa tlhoka P28 542 140 fa go tshwantshanngwa le P26 107 660 wa ngwaga ono wa madi. A re lephata leo, le tlaa bona koketsego ya madi ka jaana go sa tswa go thapiwa badiri ba le masome a mabedi le boferabobedi ba lephata leo. Lentswa ba ne ba lebogela pego eo, mokhanselara mangwe a ne a supa fa a le sebete semolangwana ka phokotsego eo, ba bolela fa e tlaa ama ditirelo dingwe tsa khansele. Mokhanselara wa kgaolwana ya Masunga, Rre Elias Mbonini, a re go botlhokwa gore khansele e tsholetse dinao go tswa ka methale ya go iterela madi. O ne a supa gape fa go le botlhokwa gore khansele e batle ditsela dingwe tse ka tsone e ka kgonang go tlhama ditiro mo kgaolong go thusa puso mo manokonokong a letlhoko la mebereko. Mokhanselara wa kgaolwana ya Tshesebe, Rre Smarts Mathonsi, o ne a gwetlha khansele go tsosa dinao go phutha madi a e a kolotiwang, a tlhalosa fa madi ao a ka thusa go dira ditiro dingwe tsa khansele. Go sale foo, e ne ya re fa ba akgela mo pegong ya tshekatsheko ya lenaneo la ditlhabololo tsa kgaolo la boferabobedi (DDP8), makhanselara mangwe a ngongoregela go bo ditlhabololo dingwe tse ba neng ba di kopile kwa dikgaolwaneng tsa bone di sa akarediwa mo lenaneong leo, fa tse dingwe di fokoditswe.BOKHUTLO politics 7 Mahalapye o lela ka mapalamelo Banni ba Mahalapye ba re ga ba jesiwe diwelang ke seemo sa maemelo a dipalamo tsa setshaba a motse wa bone. Ba buile se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefhe, mo bekeng eno. Ba kaile fa seemo se, se sa ba itumedise fela thata bogolo jang dinako tsa dipula ka go sena fa batho ba ka tsamayang teng ka go ema metsi, mme ba itela mo pusong gore go dirwe mesele e e ntshang metsi. E rile a amogela mopalamente mo kgotleng, Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye a tlhalosa fa seemo se, se sa siama e le ruri ka e bile le beng ba mabenkele a a gaufi le mapalamelo ba sokola fela thata le bone. Kgosi Segotsi a re, motse wa Mahalapye go lebega o sokame ka jalo fa dipula di na metsi otlhe a tsamaya kwa botlhaba mme a fete a nne gone foo, a tlatsa ka gore ka gore go tshwana le dikgaolwana tsa Parwe, Tshikinyega le Dilaene le tsone di sa tsamaege fa dipula di nele. A re selelo se ke sa bone sa ngwaga le ngwaga mme le ntswa khansele e leka go se tokafatsa ga go na phetogo epe e e diragalang ka gore go felela go ntse go nna merwalela fela, mme metsi a ema gongwe le gongwe. O ne a tlhalosa gore seemo se sa mapalamelo a setshaba se tlhomola pelo fela thata e le ruri, mme a kopa puso go ba thusa ka fa ba ka kgonang ka teng kgotsa go fudusa mapalamelo a. Kgosi Segotsi o ne a bolela gape ka kago nngwe e e kwa kgotleng ya Mahalapye West e a supileng fa go lebega e agilwe ka diketekete tsa madi mme jaanong e setse e na le dingwaga di ka feta lesome e sa dirisiwe. A re kago eo e bereka go nna e tlhokometswe fela ke badisa dikago mme motlha ke ono ga o kake wa bona ka letsatsi lepe e butswe e dirisiwa. Kgosi Segotsi a re pele ba ne ba boleletswe fa kago e ya madimadi e le lefelo le le tlaa tlhokomelang ba ba bokoa, mme jaanong e ija fela ga ba itse gore bothata ke eng, a kopa gore a bogolo e ka se dirisiwe go nna sepatela ya tsenngwa malao go leka go fokotsa mosuke o o kwa sepateleng se segolwane. Banni ba ne ba lela gape ka seemo sa motse wa bone ba kaya fa motse wa Mahapalye e le motse fela o motona mme o le leswe e bile gape o le lefifi. Mongwe yo o neng a tsene phuthego eo, Rre Boniface Disho o ne a kaya fa dipone tsotlhe tsa mo motseng wa Mahalapye di sa bereke mme ka jalo go sa nne sentle. Rre Disho a re motse wa bone o ngomola pelo fela e le ruri a tlhalosa gape gore go tletse ditlhare fa gare ga motse ga mmogo le leruo le le sasankegang mo motseng wa bone. O ne a kopa mopalamente gore go tsewe dikgato tse di tshwanetseng mme motse wa Mahalapye o nne le serodumo sa gore ke motse o motona. E rile a ba kgwa dikgaba, Rre Molefhe a tlhalosa fa dilelo tsa puso di dirwa ke lenaneo le ka thulaganyo. Rre Molefhe a re o tlaa itebaganya le maphata a otlhe ka matshwenyego a bone go ya go ba a lebisa mme a kopa banni go se fele pelo. Ka lefelo la tlhokomelo balwetse le le mo kgaolong ya gagwe o ne a tlhalosa fa a isitse kopo ya bone kwa lephateng la botsogo gore kago e, e thuse ka go fokotsa mosuke kgotsa e tsene mo tirisong ka go setse go le dingwaga ngwaga e nna fela ntswa e fedile. Fa a itebaganya le lefifi le le mo motseng wa Mahalapye ga mmogo le ditlhare o ne a kopa ba khansele go bona seemo se se baakanngwang ka o fitlhela fela ditlhare di sirile dipone tsa tsela mme se se kgoreletsa bakgweetsi. Rre Molefhe o ne a tlhalosetsa banni gore ngwaga o wa 2016 ke ngwaga o o botlhokwa fela mo matshelong a Batswana. O ne a rotloetsa thata baithaopi, bakgweetsi le banni ka kakaretso go ema ka dinao go bona gore le bone ba nna le seabe go baakanyetsa boipuso jwa monongwaga ga mmogo le molelo wa kgolagano o o tsileng go tla mo motseng wa Mahakapye ka kgwedi ya Seetebosigo g e tlhola malatsi a le masome a mabedi le boferabobedi go ya kwa go masome a mararo. society 9 Bimbo o seegetswe fa thoko Kgosi wa Omaweneno mo kgaolong ya Kgalagadi, Kgosi Sam Bimbo o seegetswe fa thoko mo tirong. Kgosi Bimbo o seegetswe kwa thoko go simologa kgwedi e e fetileng ya Lwetse e le lesome le boraro, morago ga go amega mo kgannyeng nngwe le ba sepodisi. Go bolelwa fa Kgosi Bimbo a tlaa boela mo tirong fela morago ga kgang eo e sena go wela. Se se builwe ke mokwaledi mo makgotleng a Setswana mo Kgalagadi Borwa, Mme Motlhatswi Pule mo potsolotsong. Mokwaledi mo makgotleng a Setswana o tlhalositse fa ene le kgosi David Toto II ba ne ba patelesega go ya go itsise morafe mabapi le seemo seo mo bekeng e e fetileng. Mme Pule o kaile fa mo nakong ya gompieno morafe wa Omaweneno o thusiwa ke dikgosana tsa tetlanyo, ntleng le dikgang tse di ba fetileng, tse morafe o tlaa patelesegang go di bega kwa Tsabong go bona thuso. O ne gape a kaya fa mo nakong eo kgosi a tlaa bo a sa letlelesege go dira tiro epe ya puso. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba santse ba kopile thuso kwa ofising-kgolo ya bone kwa Gaborone go thusiwa ka dikgosi dingwe tse di gaufi tse di tla thusang mo dikgannyeng tsa ditsheko. ENDS society 9 Kgosi thotobolo Kgosi Kea Lempadi wa Shakawe a re tiro ya bogosi ke go tsereganya morafe le go atisa tlotlano. Kgosi Lempadi o buile se kwa Shakawe fa a tlhoma Kgosi Moropa Mokerenge go nna kgosana ya kgotlana ya Saoshoko bosheng. O ne a supa mokwalo o o tswang kwa lephateng la dikgaolo o o rurifatsang fa Kgosi Mokerenge a tlaa bo a nna mo setilong go tshwarelela setlogolo sa gagwe, Mme Tena Mokerenge yo e leng ngwana wa kgosi ya pele yo o tlhokafetseng ngwaga o o fetileng. A re e re ka kgosi thotobolo e olela matlakala, Kgosi Mokerenge o tshwanetse a tsaya mongwe le mongwe ka tekatekanyo go sa kgathalesege gore ke wa seemo kana letso lefe. O ne gape a tlhalosa fa bogosi bo tlhodilwe ke Modimo ka jalo bo tshwanetse go tlotlwa ke kgosi ga mmogo le morafe wa gagwe. Mokhanselara wa pele wa Shakawe, Rre Kavetu Kangumbe a re kgosi ga a tseye dikatso kgotsa pipa molomo mo bathong, a supa fa tsela eo e ka mo paledisa go tsamaisa ka fa go tshwanetseng. A re kgosi o tshwanetse go nna boikarabelo e bile a tshwanetse go itlotla gore batho ba tle ba kgone go mo tlotla le gone go sireletsa seriti sa gagwe. O ne a tlhalosa fa kgosi a sa tshwanela go omana le go lwa le batho mo mebileng go sa kgathalesege gore batho ba mmuisa jang, a tlatsa fa go tsena ditshele e le go ikisa tlase mo morafeng. Rre Kangumbe a re kgosi o tshwanetse go kopa thuso le dikgakololo kwa dikgosing tse dingwe fa go tlhokega gore a tle a kgone go tsamaisa morafe wa gagwe sentle. Fa a ntsha la gagwe mongwe wa batsadi ba ga kgosi yo o tlhomilweng, Rre Tufunguruke Samakena a re go nna kgosi go raya boeteledipele eseng go gataka batho. “Le fa o tlhomilwe go nna kgosi ga go reye gore o mogolo o tlhophilwe ka gore o ka etela morafe pele ka jalo o tshwanetse wa tlotla bagolo ba motse”, a tlatsa jalo Rre Samakena. A re “tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng”, ka jalo Kgosi Mokerenge o tshwanetse go busa sentle fela jaaka kgosi ya pele e dirile. Fa a mo kgwa dikgaba mongwe wa mabutswa pele, Rre Mokove Thao a re kgosi ke kgosi ka batho mme a tlamega go nna moriti wa bone go ba sireletsa fa ba tshabetse kwa go ene. A re o tshwanetse go tsidifatsa bao ba ba tlang ka mathata a a farologaneng a seka a fetoga a ba tshuba fa ba tshabetse kwa go ene, a supa fa a tshwanetse go nna pelotelele. E ntse e le gone kwa Shakawe Rre Dumisang Modisaotsile o tlhomilwe go nna kgosana ya kgotlana ya Rweye. society 9 Kgosi Moremi o akgola sesole sa Botswana Fela jaaka mekgatlho e mengwe, sesole sa Botswana se gatetse pele mo go lwantsheng bolwetse le mogare wa HIV/AID mo lefatsheng leno. Fa a amogela baeng ka letsatsi la botsogo jwa setshaba, le le neng le tshwaretswe kwa motseng wa Maun bosheng, Kgosi Kealetile Moremi o supile fa sesole sa Botswana se dira go tlala ka diatla go thusa puso go lwantsha bolwetse jo bo fetsang tshaba ya lefatshe leno ka tsotlhe tse ba nang le tsone. Kgosi Moremi o supile fa sesole sa Botswana se sa ikaega fela ka go sireletsa lefatshe leno ka marumo le ditlhobolo mme a re ba leka gape go ruta Batswana le go fa dithuso tsa maemo a kwa godimo go leka go emelana le seemo se se golelang pele sa kanamo ya mogare. O tlhalositse fa mo dilong tsotlhe tse puso le mekgatlho e e ikemetseng ka nosi e lekang go di dira go thusa Batswana, sesole sa Botswana se kgonne go tla ka mofuta wa sekausu se se bidiwang sekwata, se a kaileng fa Batswana ba se itumeletse e bile a dumela se dirisiwa ke ba le bantsi. A re sesole sa Botswana se eme ka dinao mo ntweng e, ka a tlhalosa fa ba dira loaro lwa borre le le sireletsegileng gareng ga tse dingwe, selo se a rileng ke kgatelopele e e eletsegang mo setshabeng. O tsweletse a leboga boeteledipele le badiri ba sesole sa Botswana go bo ba kgonne go tla mo kgaolong ya Ngami go tsisa ditlamelo kwa bathong di akaretsa tsa itlhatlhobelo mogare, madi a matona, sukiri le go aba madi a mmele. Kgosi Moremi o kopile banni ba kgaolo ya Ngami go tshwaragana le ba sesole go leka go lwantsha seemo sepe se se ka tswang se le teng, a supa fa letsatsi le le tshwanang le leo le tshwanetswe go tsewa ka tlhoafalo go dirisa tse ba di fiwang mahala. BOKHUTLO health 6 Sengaparile se ka nowa moro - Modiri wa khamphane ya Matebeleng Milling, Rre Shaka Mochine, a re kgaolo ya Kweneng e humile setlhare sa sengaparile mme banni ba ka se nwa moro. Rre Mochine o boletse mo potsolotsong fa khamphane e, ee direlang kwa Matebeleng kwa Kgatleng, e simolotse go reka sengaparile kwa metseng ya kgaolo ya Kweneng ka ngwaga wa 2014. A re ba rekisetsa mafatshe jaaka France, Germany le mangwe kwa Asia. Rre Mochine o supile fa gape ba sila sengaparile go se rekisetsa marekisetso a melemo e le boupi mme dipoelo e le tse di bonalang fa ba rekisa kwa ntle ga lefatshe leno. A re mafatshe mangwe a na le bo maitseanape ba ba kgonang go dira melemo e farologanyeng ka sengaparile. O ne a tlhalosa fa ba tshwaraganye le lephata la Tlhokomelo Dikgwa ka ke lone le fang banni tletla ya go bapala setlhare seo le go bona gore khamphane e reka selekanyo sese beilweng. A re kwa Ngware, kwa ba neng ba reka teng lantlha kgwedi e fetileng, thobo ya sengaparile e ne e le e nametsang ka jalo batla nna ba etela motse oo ngwaga le ngwaga. O ne gape a ka ya fa bontsi jwa Batswana ba ise ba itse ka botlhokwa jwa setlhare sa sengaparile, a tlatsa ka gore batho ba mafatshe a Asia ba rata setlhare seo thata ka ba se dirisa mogo tsa kalafi, mme a re go botlhokwa gore Batswana ba itse mosola wa go se somarela fa ba se bapala gore se seka sa nyelela. Mongwe wa banni ba Ngware, Rre Gabobidiwe Motiribe, o ne a tlhalosa fa a na le sebaka se seleele a itshetsa ka sengaparile mme a supa fa ngongora ya babapadi ba sengaparile ele dituelo tse di kwa tlase ka e bile go le bokete go se epa. O ne a tlhalosa fa lemmenyana le a le boneng ele le a ithekelang sukiri ka lone. O kaile fa setlhare sa sengaparile se le sentsi thata mo tikologong ya motse wa bone mme keletso ya bone ele go bona ba kgona go itshetsa ka sone. Go tlhalositwe fa Ngware le e mengwe ee mo kgaolong ya Kweneng e humile setlhare sa sengaparile mme e ka akola dipoelo fa e ka simolola dikomiti tse di ka laolang thekiso le tiriso ya di tsa tlholego. society 9 Kgosi o kgala ba ba senyang terata ya matlhoko Fa a bua kwa phuthegong ya khansele ka Mosupologo, Rre Morolong o tlhalositse fa ditekeletso di solofetswe go simolola mo kgweding ya Phukwi monongwaga, kwa kokelong ya Deborah Retief Memorial le kwa dikokelwaneng tsa Morwa, Bokaa, Modipane, Rasesa, Phaphane, Boseja 1 le 2, Mochudi, Makakatlela, Malotwana, Oodi le Makgophana. A re lenaneo le le tlaa lekelediwa pele mo kgaolong ya Kgatleng le ya Borwa Botlhaba, tsholofelo e le gore e atolosiwe le mafelo a bookelo lefatshe ka bophara Ferikgong ngwaga e tlang. Rre Morolong o rotloeditse setshaba go atla maiteko otlhe a puso, a go fokotsa seemo sa mogare le bolwetse jwa AIDS mo kgaolong le mo lefatsheng ka bophara. A re go maswabi go lemoga fa go santse go na le bangwe ba ba kgalang maiteko a puso a go lwantsha bolwetse ka ditsela tse di farologaneng. Rre Morolong a re diemo tse tharo tsa masea a a tshotsweng ka mogare mo ngwageng ono, ke sesupo sa bomme ba ba sa tseyeng lenaneo la thibelo mogare go tswa go mmangwana go ya kwa loseeng ka tlhoafalo. Rre Morolong o tlhalositse fa kgang ya boimana jwa bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase kwa Oodi, Artesia, Boseja, Rasesa le Makakatlela e sa jese diwelang. A re ba botsogo mo kgaolong, ba ikemiseditse go oketsa dithuto tsa tlhakanelo dikobo, bogolo jang di itebagantse le one morole o mosesane. Rre Morolong o kopile makhanselara go ema ka dinao, ba bua ba sa kgale mathe kgatlhanong le tiriso botlhaswa ya bana. A re bana ba tshwanetse go sirelediwa mo diemong dipe fela tse di ka amang matshelo a bone ka tsela e e sa siamang ka e le bone bokamoso jwa lefatshe. O tlhalositse fa selekanyo sa kanamiso ya melemo mo kgaolong e le masome a supa le bosupa mo lekgolong, a tlatsa ka gore seemo sa melemo e dirisediwa go boloka matshelo se masome a fera bobedi le boraro mo lekgolong. Rre Morolong a re tlhaelo ya melemo kwa mabolokelong a Central Medical Stores, ke yone e bakang tlhaelo mo dikokelong, mme kgaolo e tla tswelela e reka mo bagwebing ba ba mo kgaolong go oketsa melemo. A re kokelo ya Deborah e tsere tshwetso ya go neela ditirelo tsa go tshujwa ga leswe la bongaka bagwebi ba ba ikemetseng, morago ga go senyegelwa ke motshini o o tshubang leswe ka kgwedi ya Moranang. Mo go tsa tikologo, Rre Morolong a re khansele ka thuso ya maphata a mangwe a puso e mo legatong la go baakanya mokwalo wa ikopelo tiro ya go atolosa lehuti la matlakala kwa Pilane. A re tsholofelo ke gore tiro e e tlaa phatlaladiwa le go rekisediwa baikopedi pele ga kgwedi ya Phukwi e fela. Rre Morolong a re khansele mmogo le ba sepodisi le dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse ba tsweletse ka go tswa ka mananeo a go lwantsha go leswafatsa tikologo. A re mo ngwageng wa 2018/19 khansele e ne ya thapa bagwebi ba babotlana ba itebagantse le tshelo matlakala ba le 52 mo kgaolong yotlhe. O tlhalositse fa go ne ga thapiwa dikoloi tsa ditonki di le thataro go thusa ka matlakala mo metseng e e kgakala le ditlamelo. Rre Morolong o kopile setshaba go duelela ditanka tsa matlakala ka tlhwatlhwa e e fokoditsweng ya P200, yo o duelwang gangwe mme ba akole go tseelwa matlakala dingwaga tse pedi. O lebogile ba Debswana ka go bo ba ba file ditanka tsa matlakala di le 1 000 go kgona maikaelelo a bone a kgaolo e e phepa go sireletsa botsogo. environment 5 Dikgwebo tse dipotlana di tlhama ditiro Go gola ga dikgwebo tse dipotlana mo lefatsheng leno go supa diphetogo tsa itsholelo jaaka go fokodiwa ga dithoto tse di dirwang ka bontsintsi, le go gola ga ditirelo tse dingwe tse di di ka kgonwang ke bagwebi ba ba botlana. Mogwebi mongwe yo mmotlana yo o akolang diphetogo tsa go nna jalo ke Mme Gomotsang Jane wa Hukuntsi. Mme yoo wa mogwebi yo o dingwaga di 49 o sale a tlhamile kgwebo ya gagwe e potlana ka lobaka lo lo leele. Ene ga a ise a letle gore o ka tsena mo seemong sa go nna motlhoki a tshela ka mophako. O ne a ikemisetsa gore ga a kitla a bolawa ke tlala. Legale go ne go se motlhofo fa Mme Jane a simolola kgwebo ya gagwe ka a ne a tshwanelwa ke go rwala kgetsi e tona mo tlhogong a tsena ntlo le ntlwana mo mogoteng le motlhaba wa Kgalagadi tse a neng a tshwanela go di ralala letsatsi le letsatsi gore a atlege. A re o simolotse ka go rekisetsa mo semausung se se gogwang ka koloi, a rekisa dimonamone le maungo mme lerato la gagwe la kgwebo ke lone le le dirileng gore a gole mo kgwebong le fa go na le dikgoreletsi. E ne ya re asena go dira semmausu se se gogwang ka lebaka, labofelo Mme Jane a tlhoma semausu sa nakwana fa pele ga marekisetso a Hukuntsi a a bidiwang Kwa-ga-MmaZol. O boletse gore ka go sena fa bagwebi ba ba botlana ba ka kgobokanelang teng go rekisa mo Hukuntsi o ne a tshwanela go ipha botlhale mme a tlhophe lefelo le le fa bareki ba farakanang teng gore ba reke dithoto tsa gagwe fa ba tswa mo marekisetsong a magolo, go reka dijo kana diaparo. Mme Jane a re se se simologileng e le go tshaba lehuma go ne ga fetoga kgwebo e tona e e dirang madi a mantsi ka Mme Jane a kgonne go atolosa kgwebo ya gagwe go rekisa dithoto tsa mefutafuta tse di jaaka maungo,motlakase,mangena, ditlolo,airtime le tsone diapparo tota. Legale o ne a bolela fa a sa itumedisiwe ke go kgokgontshiwa ke badiri ba tiragatso molao ba khansele ba a reng ba a ba tshwenya ebile ba ba tsaya dithoto tsa bone tse ba rekisetsang mo go tsone. A re tiro ya go nna jalo e ba busetsa kwa morago ka go lekanyetsa dithoto tse a ka di isang kwa marekisetsong. A re dithototse dipotlana tseo di dira dipoelo tse di nnye. Lefa gone go na le mathata, mme Jane o solofela gore e tlaa re nako nngwe a bo a na le madirelo a a duleng diatla. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ba lebogela kgatiso ya dikhwaere Mogolwane wa setlhopha sa mmino wa dikhwaere mo Bobonong Rre Kelebogile Kukumara o galaleditse kgatiso ya mmino wa dikhwaere mo kgaolong eo a re o tlaa ba tlodisa melatswana. Mo potsolotsong le BOPA kwa kgatisong ya dikhwaere tsakgaolo ya Bobirwa ka Tshipi ke ba Botswana Television, Rre Kukumara a rekgatiso ya mmino o, e tla ba isa kgakala ka gore lefatshe lotlhe la Botswana letlaa kgona go lemoga gore le bone ba na le bokgoni mo mminong. A re ba ne ba eletsa gore fa ditsompelo di ka bo di le tengkgatiso e ka bo e dirwa ngwaga le ngwaga. Go gatisa mmino o go supile fa go rotloetsa kgolo ya ngwao,ebile go tlaa ba fa sebaka sa go ipapatsa ka bontsi ja nako ba diragatsa fa go le ditshupo tsa temo-thuo kgotsa ka letsatsi la boipuso. O galaleditse dikhwaere tsa kgaolo e, a re di na le bokgonie bile di tla supa fa Bobirwa e na le moribo wa one wa mmino. A re se se santseng se saletse kwa morago mo dikhwaereng tsakgaolo e ke gore di bokowa mo go kopaneng ka bontsi ja maloko bo direla kwamafelong a a farologaneng. Khwaere ya Dialogan e tlhamilwe ka ngwaga wa2013 mme e setse e tseneletse dikgaisano tsa ga Tautona makgetho a le mmalwaya ba ya ikgapela maemo a bobedi mo dikgaisanong tseo. Dikhwaere tse di neng tsa gatisiwa mo Bobonong ke tsa AllStars, Dialogane le Diphatsa fa kwa Molalatau go ne ga gatisiwa tsaSeboo, Dikwankweta le Mmamaokane. arts_culture_entertainment_and_media 0 Kgosi Xao o rera tekatekano Kgosi Tsaxlae Xao wa Grootlagte a re, go lebega Batswana ba le bantsi ba ise ba tlhaloganye gore tekatekanyo ya bong go tewa eng. Kgosi Xao o buile se bosheng kwa Charleshill mo segopotsong sa letsatsi la bomme. O tlhaloseditse morafe o o neng o tsene segopotso gore, tekatekanyo ya bong go tewa go fa borre le bomme sebaka se se lekanang fa go tliwa ka fa meamusong ya lefatshe. Mme Xao a re tekatekanyo e, e dirwa ka go rotloetsa melawana le mananeo a a itebagantseng segolo bogolo le botlhoki jwa bomme le borre. Kgosi Xao a re, mo malobeng borre ke bone ba neng ba akola meamuso go feta bomme, mme go a bonala gore mo nakong ya gompieno diphetogo di teng, segolo bogolo fa go tsena ka fa mererong ya thuto. A re, go lemosegile fa dipalo tsa bana ba basetsana ba ba tsenang dikolo di oketsegile fa go tshwantshanngwa le mo malobeng. Le fa go ntse jalo, Mme Xao a re, go a swabisa ka jaana dipalo tse di kwa godimo tse, di fokotsega ka jaana bana ba ima ba bo ba tswa mo dikolong. O tsweletse a re, se se gwetlha bomme go rotloetsa le go babalela matshelo a bana ba basetsana ka jaana ele bone babusi ba kamoso. Kgosi Xao a re, dipalo tse di nametsang tsa bomme ba ba akolang mananeo a a farolaganeng go tokafatsa matshelo a bone, le tsone di a bonala, a tlatsa ka gore se, se tsisa seriti le kagiso mo lwapeng. O supile gore bomme ba santse ba sena karolo e ntsi fa go tla mo maemong le go tsaya ditshwetso. Kgosi Xao o supile sekai ka khansele ya Ghanzi a re, kemedi ya bomme mo go tsa sepolotiki ga e nametse ka jaana bomme ba le barataro fela fa borre ba le lesome le boferabobedi. E re le ntswa go supega fa go na le maiteko a tekatekanyo ya bomme le borre, Kgosi Xao o supile matshwenyego ka dipalo tse di golang tsa kgokgontsho ya bomme mo lefatsheng le. A re, dipalo tse di lekanang le masome a marataro le bosupa mo lekgolong, ga di jese monate, mme o gwetlhile Batswana go kgala kgokgontsho ya bomme le bana segolo bogolo ba basetsanyana. O rotloeditse Batswana go tokafatsa matshelo a bomme le borre mme a re, lentswe la bomme le tshwanetse la utlwala thata. Letsatsi la segopotso sa bomme le ne le ketekwa ka setlhogo se se reng “Tekatekanyo ya bomme ke kgatelo pele ya botlhe.” Kgosi Xao a re, setlhogo se, se tlhalosa fela gore, go kgona go nna le kgatelo pele, ke fela fa bomme ba ka fiwa sebaka se se lekanang le sa borre mo go tsa thuto, botsogo, maemo le go tsaya ditshwetso, go tshela go sena kgokgontsho gammogo le go tshela botshelo jo eseng jwa lehuma. Bokhutlo society 9 €˜A botlhe ba tseye boikarabelo’ Modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng o kopile banni ba Letlhakeng go reetsa ditaelo tsa lephata la botsogo le go tsaya boikarabelo jwa go thibela kanano ya mogare wa corona. Rre Meshack Tshenyego a re Batswana ba tshwanetse go itse fa mogare oo o le borai ebile o anama ka bonako jaaka go setse go itshupile mo mafatsheng a mangwe. A re go botlhokwa gore Batswana ba reetse se puso e se ba laelang go thibela ditlamorago. A re go maleba gore puso e tseye kgato ka gore bolwetse jo jwa COVID-19 bo setse bo kailwe ke lekgotla la botsogo la ditshaba-tshaba la WHO fa e le segajaja. O ne a gatelela kgang ya gore bokopano bope fela jo batho ba bo dumalaneng bo tshwanetse jwa tlosolosiwa go fitlhelela seemo se boela mannong. Rre Tshenyego a re diphuthego tse ba neng ba eleditse go di tshwara mo kgaolong ya gagwe ga di na go nna teng ka e bile khansele ya Kweneng le yone e ne ya emisa phuthego ya yone. A re se ke kgato ya go lwantsha le go emisa kanamo ya mogare, mme e bile puso jaanong e ntshitse mokwalo o o laolang gore mediro le ditiro ka go farologana di ya go dirwa ka tsela e e ntseng jang. Rre Tshenyego, yo gape e leng mokhanselara wa Mantshwabisi, a re o itse sentle gore batlhophi ba kgona go ngongorega gore jaanong ba ile kae e sale ba tlhophiwa go tsena mo pusong. Ka jalo o ne ba kgothatsa gore ba seka ba fela pelo ka seemo se tlaa siama mme ba kgone go tla go ba lekola le gone go utlwa dilelo le matlhoki a bone. Ditiro ka bontsi mo Botswana le lefatshe ka bophara di tsweletse ka go tlosolosiwa jaaka metshameko, mediro, bokopano, metsamao fa gare ga mafatshe a a amegileng le tse dingwe tse di ka anamisang mogare oo. Molaodi wa kgaolo ya Letlhakeng, Mme Ikgopoleng Lekoape ene o ne a bolela fa ba tlosolosa bokopano jwa go isa ditlamelo kwa bathong. Mme Lekoape a re go tlaa bo go sa siama gore e re puso e gakolola gore setshaba se itshireletse jang, bone ba bo ba tswelela ka diphuthego tseo. A re ka jalo ba tlaa ema pele go fitlhela seemo se boela mannong mme ba akanye gore ba dira bokopano joo leng gape. O ne gape a kopa maphata go nna malala-a-laotswe gore sepe se se ka diragalang ba bo ba ikemiseditse go thusa ka fa ba ka kgonang ka teng, bogolo jang ba lephata la botsogo. Bolwetse jwa COVID-19 jo bo simolotseng kwa lefatsheng la China bo setse bo aname le mafatshe a mantsi mme batho ba latlhegetswe ke matshelo ka dipalopalo. Lefatshe la Aferika Borwa le lone le setse le amilwe ke bolwetse jo mme dipalo tsa jone di gola letsatsi le letsatsi ka jalo Batswana ba kopiwa go fokotsa mosepele wa go ya koo mme e bile seo se patikile lefatshe la Botswana le Aferika Borwa go tswala melelwane mengwe. health 6 A molawana o sekasekwe - Moyo Ramapodisi wa kgaolwana yasepodise ya lesome le boraro, Rre Counsel Moyo, o kopile lephata la meepo, kgotetsole metsi go baakanya molawana o o itebagantseng le go epiwa gametlhaba ka o ba ketefaletsa tiro. Rre Moyo o buile seo mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditsweke molaodi wa kgaolo-potlana ya Thamaga-Mogoditshane, Rre Mothibi Monyakeng Metsimotlhabe. Phuthego e ne e itebagantse le go tla ke methale ya go thibela gogweba ka motlhaba o o tswang mo nokeng ya Metsimotlhabe mo go seng ka famolaong. Rre Moyo a re ba leka ka bojotlhe go thibelago gweba ka motlhaba mo go seng ka fa molaong mme sebe sa phiri ke gore molawana ga opapamale ka dikgato tse di tshwanetseng go tseelwa badiramolato. A re molawana o o leng teng mo bogompienong katlholo ya onee kwa tlase fela thata ka badiramolato ba ka atlholwa madi a a sa feteng seketesa dipula, selo se a reng se dira gore ba nne ba boelele molato oo ka go lemotlhofo go duela katlholo. A re mapodisi a dumela gore go tshwanetse gagagamadiwa molawana o, e bile ba fiwe dithata tsa go tseela ruri didirisiwa tsedi fitlhelwang di diriswa mo bogodung joo. Rre Moyo a re mo nakong eno fa ba gapiledithoto mo malatsing ba a di busa mme se se folodise maiteko a bone a gothibela borukutlhi jo. O tsweletse ka gore mapodisi a eme ka dinao ka ba a tleba tsamae mo nokeng eo bosigo le motshegare mme ba tshware dirukutlhi tseo ebile go lemosegile fa bontsi jwa bone e le batswakwa. Fa a tswa la gagwe, Rre Monyakeng o ne a kopa banni go emela motse wa bone ka dinao mme ba sireletse letlotlo la bonela tlholego ka fa ba sa dire jalo ba tla sala ba iphotlhere. A re morafe o tshwanetse wa nna seopo sengwe ka golemosegile gore borukutlhi bo ka fenngwa fela ke popagano ya morafe. A re go momaruding a morafe go bona gore ba tlhaba mapodisi podimatseba ka borukutlhi jo. E re ntswa go supagala fa morafe o setse o fedile pelo, RreMonyakeng o ba kopile gore ba seka ba tlola molao mo ditshwetsong tse ba tla ditsayang ka fa ba dira jalo ba tlaa di gama ba sa di tlhapela. A re ebile gapego botlhokwa go tshwaraganela joko eo le mapodise ka ba ka se kgone ba le nosi. Fa ba tswa la bone banni ba motse oo ba ile ba lebogelamolaodi go tla ka phuthego ya mothale o ka ba tshelela mo letshogong ka gangwele gape dirukutlhi tse di ba tshosetsa matshelo fa ba leka go di kgalemela. Mongwe wa banni Mme Mmapula Sekolokwane a re puso etshwanetse go tlhwaafalela go dira melao ka ga o direlwe batswakwa fela, a ree bile o na le pelaelo ya gore batswakwa ba ba na le botsalano le mapodise ka monakong e ntsi fa ba leka go bua le mapodise ga ba supe kgatlhego. crime_law_and_justice 1 Thuto ga e golelwe e botlhokwa Mothusa mokwaledi wa khansele ya Kweneng, Mme Baipelelang Photloko, a re lenaneo la thuto gae golelwe le botlhokwa. E rile a bua kwa pulong semmuso ya beke ya baithuti ba lenaneo leo, Mme Photloko a tlhalosa fa lenaneo le le le botlhokwa fela thata ka le ruta ditiro tse di farologaneng tsa diatla, e seng go bala le go kwala fela. A re ba na le ntlwana e e kwa Takatokwane, e e nang le dikhomputara mme moithuti mongwe le mongwe o letlelelwa go ya go e dirisa, a tlhalosa fa gape ba na le baithuti ba ba dirisang dipampiri go bopa, le ba ba logang ditlatlana. A re le ntswa go kaiwa fa lefatshe leno le na le kwelo tlase ya itsholelo, puso e dirile maiteko a go tlhabolola kitso ya go bala le go kwala, go thusa lenaneo la thuto ga e golelwe go itshekatsheka. O ne a lekodisa setshaba fa ba na le baithuti mo kgaolong ya Kweneng ba le 1 758, borre ba le 546, bomme ba le 1 204, mme gape mo palong tse go na le bana ba le 246 ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabongwe ba ba sa kgonang go fetsa sekole ka mabaka a a farologaneng. Mme Photloko o ne a tlhalosetsa baithuti le setshaba gore lephata la thuto le itshwaragantse gape le ba Botswana Training Authority (BOTA) ba ba tlaa thusang baithuti ba thuto ga e golelwe ka go ba tlhatlhoba mo ditirong tse ba di ithutseng mme morago ba ba fe ditlankana. O ne a rotloetsa botlhe ba ba tlaa bong ba tseneletse dithuto go di tsaya ka tlhwaafalo ka di le mosola thata. Bokhutlo education 4 Go simolodisitswe lekgotla la barui kwa Maope Barui ba meraka ya Maope kwa kgaolong ya legare ba simolodisetse lekgotla la barui le le bidiwang Phirimotho. Fa a tlhalosa ka lekgotla gore le tsile jang, modulasetilo Mme Oganeditse Tumotumo a re ba ne ba sa robadiwe ke magodu bone le maepodisi a Serule. A re seo se ne sa ba ruta go lala paeng ba disitse dikgomo tsa bone, mme ba tla ka moono wa gore ba ipope ba tlhame lekgotla le ba le kwadisitseng ka fa molaong. A re le fa maikaelelo magolo e le go lwantsha bogodu, sengwe gape ke go itshwaraganya le bakenti go kentele malwetse a leruo, le go tlhabolola leruo la bone go nna la boleng jo bo kwa godimo. Leina Phirimotho le tswa mo goreng Phiri ga e sa tlhole e le phologologolo jaanong ke motho wa maoto a mabedi. Mme Tumotumo o ne a laletsa barui ba dithota tse ba leng mo go tsone go gololesega go ka nna maloko a lekgotla gore ba kgone go bua ke lentswe le le lengwe ka ditshwanelo tsa bone e le barui, mme a re le bone fela jaaka makgotla a mangwe ba batla go ipona ba na le seabe mo go thuseng puso ka go ntsha leruo la boleng. Mongwe wa barui, Rre Keineetse Maswabi a re keletso ya bone ke go inaakanya le lekgotla leo segolo bone ba zone 8, 9 le 10 gore ba kgone go buisana le puso ba lebeletse seemo sa go ithola marapo ga puso mo go tsamaiseng matlhabelo. A re ke nako ya gore Batswana ba tsee boikarabelo ka go supa fa ba ka kgona go ka itsamaisetsa matlhabelo. Sebui sa tlotla, mokhanselera e bile e le morui, Rre Thebe Setlalekgosi go tswa kwa Mookane a re thuo ya malatsi ano ke kgwebo, mme e tlhokana le banna le basadi ba ba ititeileng sehuba go emelelana le dikgwetlho tse di ka batlang go ba ema pele. A re ga go na ka fa morui yo o ruelang kgwebo a ka kgonang ka teng kwa ntle ga go reka dipoo tsa letsopa, a re gone moo fela ke gone go fang morui sebaka sa go itse se a se tlhokang mo thuong. A re go botlhokwa gore morui a itse boleng jwa moroto wa poo ya gagwe ka go o tlhatlhoba nako le nako, segolo jang fa a batla go reka poo ya letsopa le le rileng. A re barui ba tswe mo thuong ya bogologolo ya go tlatsa dikgomo tsa bogaolwane ka lesaka, ka seo se ya go ba turela go di jesa. Rre Setlalekgosi a re go botlhokwa go lemela leruo dijo le go di somarelela nako tsa leuba, mme a kgala mokgwa o barui ba o tlwaetseng wa go fa dikgomo letswai a re ga le na bope boleng mo leruong fa le sa tlhakanngwa le kotla epe. A re poo e seka ya gweela bana ba yone ka seo se ka digela boleng jwa letsopa tlase. A re barui ba ithute go inaakanya le barekisi ba dijo tsa leruo le boralophalo, go ba ruta ka tse leruo le di tlhokang ka nako tse di farologanyeng. O tlhalositse fa a na le keletso ya go ba thusa ngwaga o o tlang go rulaganyetsa letsatsi la barui. E ne e rile go le pele, mongwe wa barui ba dipolase tsa Sandveld, Rre Joshua Galeforolwe a supa botlhokwa jwa go tlhama lekgotla la mofuta o, mme a re go tlhoka dikeletso tsa maloko. A re boleng jwa lekgotla bo mo kemeding le go buelela lekgotla ka botswapelo, go lebeletswe ditlhabololo, go fedisiwa ga thekiso ya nama ke khamphani e le engwe, go bewa ga ditlhwatlhwa tsa nama le gone go lwantsha malwetse. A re lekgotla le tlhoka tshwaragano ya maloko le go bua ka lentswe le le lengwe ka mathata a a ba lebaneng, go rutana le go abelana megopolo go godisa lekgotla. Rre Galeforolwe o gateletse gore ba tlaa re lekgotla le itshetletse ba bone ka go oketsega ga maloko a a direlang lekgotla e seng dipalo fela, le go kopana nako le nako e seng fela ka nako ya paakanyetso meletlo. A re go botlhokwa gore maloko a itse gore madi a bone a boloko ba dira eng ke bokae, a re seo ke jone boikarabelo jwa ba ba tlaa neelwe marapo go tsamaisa, go fapaanela maemo go botlhokwa gore mongwe le mongwe a nne le seabe. Rre Galeforolwe a re tsamaiso e e seng yone e ka phutlhamisa lekgotla, segolo jang ya go tlhoka go dupiwa ga dibuka tsa madi. Mogolwane wa sepodisi go tswa kwa Serule, Rre Lesole Mosimane o ne a lebogela tirisano mmogo ya barui, mme a ba kopa go thapa batswakwa ka fa molaong go itsa go thapa dirukutlhi. Senior Superintendent Mosimane a re barui le badisa e nne ditsala ka seo se ka kganela borukutlhi. BOKHUTLO society 9 Motlhoka-pono o rurifatsa fa phokoje go tshela yoo dithetsenyana Mme Mmandu Odirile, yo e leng motlhoka-pono, o kgothaditse ba-na-le-bogole go ikamogela le go ikemela ka dinao gore ba kgone go fenya dikgwetlho tse di ba aparetseng. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Odirile yo e leng mongwe wa bagwebi ba ba botlana ba mekgwatlha kwa Palapye a re ba-na-le-bogole ba feletsa ba amiwa ke lehuma le go feta ka go bo ba sa amogele diemo tsa bone le go ikemela ka dinao go fetola matshelo a bone. A re dikgwebo tse dipotlana di ka fetola matshelo a ba-na-le-bogole ka jalo a ba rotloetsa gore ba inaakanye le tsone, a kaya fa kgwebo ya gagwe e potlana e kgonne go mo tshetsa. Mme Odirile a re o simolotse go innakanya le kgwebo e potlana ya mo mekgwatlheng kwa Gaborone, mme ya re ka ngwaga wa 1995 a boela gae kwa Palapye ka ntata ya bolwetse jo ko pheletsong bo neng jwa mofoufatsa ka ngwaga wa 1996. “Fa ke sena go foufala ke ne ka nna le kutlobotlhoko e ntsi, mme ko morago ka ikamogela. Ka ke ne ke setse ke na le bana ba le bararo, ke ne ka kopa Modimo gore a mphe tlhaloganyo ya gore nka godisa bongwanake jang” a tlhalosa. A re morago ga go ikamogela, o ne a ema ka dinao a tsweledisa kgwebo e potlana ya gagwe e a neng a e dira pele a foufala. E re ka gotwe phala e senang phalana ke lesilo, Mme Odirile a re ka a ne a setse e le motlhoka-pono mme a le mo kgwebong, bana ba gagwe ba ne ba mo ruta madi a dipampiri le a ditshipi ka go mo a tshwarisa ka diatla go fitlhelela a kgona go a tlhaloganya otlhe ka go a tshwara. O kaile fa a kgona go thusa bareki ba kgwebo ya gagwe fela jaaka motho yo nang le pono, mme ebile a supa fa bangwe ba a tle ba makalele gore o kgona go busa chenchi a sa tsietsege, a tlatsa ka gore seo ke thuto le thotloetso mo bathoka-ponong ka ene. Mme Odirile, yo o nang le dingwaga di feta masome a mabedi a rekisetsa fa pele ga sepatela sa Palapye, mme ebile le mo bogompienong a ntse a rekisetsa teng, a re kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle mo ebileng a kgonneng go nyeletsa lehuma mo lelwapeng la gagwe. “Ke rekisa tse di rekisiwang ke bagwebi ba mo mekgwatlheng ka go farologana magareng ga tsone e leng dinotsididi, maungo, airtime, dilekere le tsone diaparo tota,” a tlhalosa. A re kgwebo e na le dikgwetlho ka jalo e batla motho yo o pelotelele, boineelo le lerato la go itirela ka matsogo. A re ba-na-le-bogole ba tshwanetse go emisa mokgwa wa go ikaega ka puso a kaya fa ba tshwanetse go ikemela ka dinao go fetola matshelo a bone. economy_business_and_finance 3 Tshwaragano pinagare ya katlego Dikereke di supile seabe se setona mo tlhabololong ya lefatshe e bile ke tsone di dirileng gore go rene kagiso le thokgamo mo Botswana. Modulasetilo wa khansele potlana ya Tutume, Rre Ishmael Mokgethi o buile se kwa tshupong semmuso ya komiti ya diphuthego tsa dikereke (Ministers Fraternal) kwa Tutume bosheng. A re dikereke di tshwanetse go ipela ka jaana mo Botswana di tshela ka kgololesego le kagiso ya go obama e bile molao-motheo wa lefatshe o ba letla go rapela go sena sekgoreletsi sepe. O ne a kopa dikereke go aga dikago tse ba obamelang mo go tsone. A re gape ba tshwanetse ba tlhokomela tikologo e ba leng mo go yone a supa fa dingwe di alafela mo nageng mme di tlogele tikologo e sa lebege. O gwetlhile baeteledipele ba dikereke tseo go tshela se ba se rerang a tlatsa ka gore morafe le balatedi ba bone ba solofetse ditiro tse di ntle le tse di eletsegang mo go bone. O kopile komiti eo go itse palo ya dikereke tse di mo motseng wa bone le go itirela molao motheo o o tlaa e tsamaisang. E rile a ntsha la gagwe, Rre Edison Woto o ne a kopa diphuthego tsa dikereke go tshwaragana go nna seopo sengwe gore mantswe a bone a utlwale le gore ba kgone go abelana megopolo ka dikgwetlho tse ba kopanang natso. O gateletse kgang ya kgololesego ya go obamela Modimo mo Botswana a re ka jalo dikereke di tshwanetse go tlotlana. O ne a leboga maloko a komiti eo a re ka yone ba tlaa bopa mowa wa bojammogo le tirisanyo mmogo tse di tlaa rotloetsang tlotlo mo go ba bangwe. Mothusa molomaganyi wa ditiro tsa AIDS mo kgaolwaneng eo Mme Tsholofelo Segone o boletse fa Tutume a lebanywe ke kgwetlho ya batho ba ba maoto a tshupa go itlhatlhobela malwetse a dikobo bogolo jang borre le banana. O gwetlhile dikereke go ema ka dinao go rotloetsa maloko go itlhatlhobela malwetse. Komiti eo e bopilwe ka maloko a le lesome a baruti ba dikereke tse di farologanyeng mo Tutume. Modulasetilo wa komiti eo Moruti Siyane Sisila a re fa ba le mo komiting eo ba seopo sengwe, ba seegela thoko dipharologanyo tsotlhe tsa bone. Gape o rile komiti eo e tshwaraganya dikereke le puso le go thusanya le yone go rera kagiso mo bathong. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Kelediyakgotla o tlogetse tiro ka bogodi Modiri wa pele wa lephata la dikitsiso, Mme Lesego Kelediyakgotla, yo a neng a direla kwa Serowe o tlogetse tiro ka bogodi kgwedi e fetileng e ya bokhutlong. Mme Kelediyakgotla yo bakaulengwe ba gagwe ba neng ba mmitsa Lesh, o thapilwe mo lephateng la dikitsiso le seromamowa ka 1985 ele mophephafatsi kwa ofising ya Lobatse, mme morago a hudusetswa kwa Mahalapye le Palapye kwa e rileng a goroga teng a thatosiwa maemo go nna messenger/reporter. Morago Mme Kelediyakgotla one a hudusetswa kwa Francistown ka tiro, mme morago a hudusetswa kwa Serowe kwa a diretseng teng ka lebaka go fithelela a tlogela tiro ka bogodi kgwedi e fetileng morago ga go dira mo lephateng le dingwaga dile masome a mararo le bongwe. Mme Kelediyakgotla o boletse mo potsolotsong gore ka nako ya a direla lephata le, one a dira ditiro ditshwana go abela setshaba koranta ya Ka nako ya Mme Kelediyakgotla ele modiri wa lephata la dikitsiso, o ne a ya ithutuntshong ya go tsaya ditshwantsho e bile ke mongwe wa badirelapuso ba ba neng ba abelwa seetsele sa ga tona. Lefa Mme Kelediyakgotla o tlhalositse fa maikaelelo a gagwe ele go kopa mananeo a puso go simolola kgwebo e ka yone a ka itshetsang ka yone le ba lelwapa la gagwe. O tsweletse ka go kgotlhatsa badiri ka ene ba ba setseng mo tirong go dira ka natla go bona gore Batswana ba amogela koranta ya society 9 ‘Amogelang bana’ Mogokaganyi wa mokgatlho wa bomme wa Christian Women Fellowship, Mme Agnes Ncaagae, a re go botlhokwa gore batsadi ba amogele bana ka lerato. Mme Ncaagae o buile jalo kwa phuthegong ya dikereke e e neng e tshwaretswe kwa Mahalapye bosheng. O ne a supa fa ba bone go le botlhokwa go kokoana go tla go rutana le go tlhalosa setlhogo, maikaelelo e le go abelana megopolo le go itseela ditso tsa batho ba bangwe. E rile Mme Helen Motaneko wa kereke ya UCCSA a bua kwa letsatsing leo a itebagantse le setlhogo, a re bana ba gola ba sena tlhokomelo ya batsadi, mo go felelang go diga le maduo a baithuti kwa dikoleng. O tlhalositse gore batsadi ba tshwanetse gore ba nne sekao mo baneng gore ba tseye malebela mo go bone. Mme Motaneko a re batsadi ba rekisetsa bana ditagi, bangwe ba neelwa ke batsadi gore ba ye go rekisa kwa dikoleng a supa fa seo e le go senya bokamoso ja bana. E ntse e le kwa phuthegong eo, mothusa moeteledipele wa lekgotla la dikereke, moruti Thabo Mampane,o ne a ngongorega ka baruti le bomme bangwe ba ba tsisang kgotlhang mo kerekeng, ka go tseelana baratani a re dilo tseo di diga dikereke di bo di thube le malwapa. Mo phuthegong eo, dikereke di ne tsa abela moruti wa magolegwa a Mahalapye Mme Nage Seanokeng dibaebele di le lesome le botlhano e le go supa mowa wa lerato mo baneng ba ba mo dikgolegelong ba ba ipatlelang lefoko la Modimo. education 4 Mapodisi a Kanye a tshwere monna Mapodise a Kanye a re a tshwere monna yo e rileng bosheng a tshuba ntlo ya mongwe wa losika ba sena go tlhoka kutlwano. Mogolwane wa mapodisi a Kanye, Superintendent Kealositswe Konyana a re, monna yo, o ne a tshuba ntlo e kwa Goora-Seno a bo a inaya naga. Supt Konyana a re, monna yo, o mo diatleng tsa mapodisi mme o tla isiwa fa pele ga lekgotla mo bogaufing go arabela molato o. E ntse e le kwa Kanye, batsadi bangwe ba kgotla yo o Ruele, ba tsholotse kgang e ba neng ba begile fa go na le mongwe yo o nyeletseng ka koloi ya bone. Supt Konyana a re,e ne e rile go le pele batsadi ba, ba bolela fa ba sa bone lekawana la dingwaga tse di masome a mabedi le bone, ba re mme o ile ka koloi ya bone. A re, ba ne ba tsholola kgang ba sena go bona lekawana le e bile le tla ka koloi e itekanetse, o bile a re go lebega lekawana le ne le romilwe. Mo dikgannyeng tse dingwe, Supt Konyana a re, ka Labone mapodisi a ne a tshwara banna bangwe ba le supa fa e le baruti ba sena go fitlhelwa ba rapelela mme mongwe mo molong wa Kanye. A re banna bao, ba ne ba bolela fa bone ele baruti ba kereke nngwe kwa motseng wa Lotlhakane Botlhaba, ba re bone ba ne ba abela batho dipampiri fela tsa ipapatso. A re banna bao ba ne ba sa tseela ope madi le fa e le sepe, ka jalo ba ne ba gololwa gone foo ba sa lebisiwa molato ope. Supt Konyana o ikuetse mo setshabeng go nna podi matseba ka letsatsi la pulo ya mmolo wa Mongala, a re magodu a ka bona phatlha ya go ba amoga di tsa bone. A re, ke yone nako e magodu ba ka kgonang go amoga batho di tsa bone ba ba solofetsa go ba thapa. Ends crime_law_and_justice 1 Dikomiti tsa ditlhabololo di tlamega go rola dipego Mmaboipelego wa kgaolwana ya Madiba kwa Palapye, Mme Godiramang Kgano, a re batho ba ba tshwanetsweng ke go tlhophiwa mo makgotleng a ditlhabololo tsa metse ke ba e leng Batswana ka letso e bile ba itse go bala le go kwala gape ba le dingwaga tse di lesome le boferabobedi go ya kwa godimo. Mme Kgano o buile mafoko a kwa phuthegong e mo go yone banni ba Radisele ba neng ba tlhopha komiti e e tlaa tsamaisang ditlhabololo tsa motse O kopile botlhe ba ba nang le tshwanelo ya go tlhopha mo ditlhophong tseo, go emisa mokgwa wa go dirisa botsala le lesika ka seo se ka ba digela ka lemena la go tlhopha batho ba ba senang bokgoni le boikarabelo ntateng ya go dirisa botsala le lesika. Mme Kgano a re mo melawaneng e mesha e e tsamaisang makgotlana a ditlhabololo, komiti nngwe le nngwe e tshwanetse go rolela setshaba pego ka ditiro tsa yone nako nngwe le nngwe morago ga dikgwedi tse tharo. Mo ditlhophong tseo, tse di neng di emetswe ke batho ba le lesome le botlhano, Mme Boipuso Motsamai o ne a tlhophiwa modulasetilo fa Mme Kelebogile Mmereki a tlhophilwe mothusa modulasetilo, fa Mme Peggy Kebaneetse ene a tlhophilwe mokwaledi fa Mme Thekegelo Ncheng a tlhophilwe mothusa mokwaledi fa Mme Phetso Kebonang ene a tlhophilwe mmamatlotlo wa komiti eo Bangwe ba ba tseneng mo komiting eo e le maloko ke Rre Gotsilemotho Botsang, Mme Pinkie Goitseone, Mme Segametsi Morale, Mme Gomolemo Nthompe le Mme Kagiso Keetile. E rile ba akgela morago ga ditlhopho banni ba Radisele ba ne ba supa boitumelo jo bogolo ka fa ditlhopho tseo di tsamaisitsweng ka teng ba bolela fa di ne di sena tsietso ka go ne go tlhophelwa mo sephiring. Le fa morafe o itumeletse ditlhopho tseo, gone bangwe ba ne ba ngongoregela gore komiti ya pele e paletswe ke go rolela morafe pego ka ditiro tse ba di dirileng ga mmogo le pego ya madi fa ba sale ba tlhophilwe ka ngwaga wa 2014. politics 7 Lekalana la LEA le aba pompo ya metsi Lephata le le tlhatlhelelang ka tsa tsamaiso ya kgwebo la LEA e ne ya re ka Labotlhano la segofatsa Mme Gakesenewe Keiletswe wa Letlhakeng ka go mo gokelela pompo ya metsi. E rile a amogela baeng kwa modirong oo, Kgosi Tumelo Puleng o ne a tlhalosa fa maiteko a LEA mo kgaolong ya bone e le tiro e ntle thata, mme a ba kgothatsa go tswelela ka mowa o montle oo wa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa LEA kwa Molepolole, Rre Lesedi Ngakane o tlhalositse fa ba ne ba itlama gore mmereki mongwe le mongwe mo lephateng la bone a ntshe seabe sa gagwe, e le tsela nngwe ya go supa lorato le mowa wa neelano. O ne a tlhalosa fa ba kopantswe le Mme Keiletswe ke ba ofisi ya boipelego ya Letlhakeng. Rre Ngakane o kaile fa ba ne ba tlhalosediwa gore e re ntswa batlhoki ba le bantsi mo kgaolong eo, seemo sa ga Mme Keiletswe sone se tlhokana le thuso ya potlako ka jaana a nna a le nosi e bile a godile. Mme Wagomotsa Paledi, mmereki mo LEA o boletse fa e se maiteko a bone a ntlha e le ba LEA mo go thuseng Batswana mo kgaolong ya Kweneg ka jaana ba kile ba aba dilwana le go baakanya ntlo mo metseng e mengwe. O tlhalositse fa go gokela pompo eo go lopile P3 500, mme a a neng a setse ba ne ba felela ba mo pentela ntlo le go e feleletsa ka thotloetso ya dikompone tsa Jamal Trading, Bulders World le tse dingwe. E rile a tswa la gagwe, Mme Keiletswe o ne a bolela fa se a se diretsweng ke ba LEA e tlaa nna mpho ya sennela-ruri mo botshelong jwa gagwe. O ne a kgothatsa lekalana leo go tswelela ka mowa o montle mme ba thuse ba ba dikobo dikhutshwane jaaka ene. Mokhanselara wa Letlhakeng Borwa, Rre Opaletswe Mogolwane o ne a kaya fa mpho eo e le khumo mo go Mme Keiletswe, a bolela fa khumo e se ya mantlontlo fela mme le yone mewa ya kutlwelobotlhoko e mo dikaganyetseng. O ne a bolela fa Mme Keiletswe a segofaditswe thata mme seo se mo itumedisa thata e le moeteledipele wa kgaolo, e bile a na le tsholofelo ya gore lekalana leo le tlaa tswelela le thusa batho ba kgaolo ya gagwe. society 9 Ba-na-le bogole ba tla pele Mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Daniel Kwelagobe a re ba-na-le bogole ba tshwanetse go thusiwa pele ga mongwe le mongwe. Mopalamente a re lenaneo le ke le le ntshitsweng ke puso e bile moono wa lone ke go neela motho yo o tlhaelwang ke ditlamelo go gaisa yo o kgonang. Ke ka moo a neng a supa gore ba na le bogole ke bone ba ba tla thusiwang pele mo mananeong otlhe a ga goromente. O ne a fa sekai sa gore fa bana ba pasitse mmogo, mo-na-le bogole o tshwanetse a fiwa maemo a ntlha fa go tsena mo go tsa khiro kgotsa tsa go tsweledisa dikolo go ya pele. O ne gape a rotloetsa bagolo go isa bana ba ba nag le bogole ba bannye kwa dipateleng tse di mabapi go ya go ba kwadisa. A tlhalosa gore fa bana ba, ba kwadisitswe kwa dipatela ba tla akanyediwa pele ga bana botlhe e bile ba tla fiwa ditlamelo tse di maleba pele. O tlhalositse fa bana ba, ba tshwanetse go fiwa dikarata tse di faphegileng ebile di tla ba thusa fa go tsena mo maneneong kgotsa ditlamelo dipe fela tsa lefatshe leno. Rre Kwelagobe are maikaelelo a lenaneo le ke gore ba na le bogole ba seka ba fithwa mme ba ntshiwe kwa morago ga malwapa a tlatsa ka gore puso e lemogile gore ba na le bogole ba fitiwa ke dithuso tse di ba lebanyeng ka ntlha ya gore ba masika ga ba ke ba nne tshika ya go ba ntshetsa kwa ntle mme ba ba tshwalela mo matlong kgotsa ba ba fitlha. O tlhalositse fa batho ba, ba na le tshwanelo ya mananeo a nyeletso lehuma e bile a supa gore le mo mananeong a nyeletso lehuma ba na le bogole ba tshwanetse go thusiwa pele., a tlatsa ka gore e bile ka dipaka tsotlhe ba tshwanetse go thusiwa pele. Mo go tse dingwe, Mopalamente o tlhalositse fa kgopho ya metsi mo Molepolole e tla simolola ngwaga ono e bile e neetswe didikadike tsa dipula di le masome a le mane go dira kgopho ya metsi. O ne tlhalosa fa lenaneo la kgopho ya metsi le emisitse ditlhabololo ka bontsi mme jaanong ngwaga o go lebega o tla thusa ka seemo sa ditlhabololo tse ntseng di eme. O ne gape a supa gore moalo wa ntlha wa kgopho ya metsi o tlodilwe ke nako mme ka ntlha ya seo ga nna go nna bonya gore batho ba ka thusiwa ka go epelwa mahuti a kgopho ya metsi aa leswe mo malwapeng a bone mme ka se banni ba Molepolole ba ngongorega fela thata. Le fa go ntse jalo a supa fa jaanong madi aa ntshitsweng a tsile go simolodisa lenaneo leo mme go diriwa moalo o mosha wa kgopho ya metsi. Kwa bofelelong ba Ntloedibe ba ne ba supa Boitumelo jo bogolo tebang le dikgang tse kgang ka ba tlhalosa fa go ne go le dingalo go ya go kopa ditlamelo tsa mon le bogole ka jaana ba tshwanelwa ke go ema lobaka lo loleele. Ba ne gape ba supa fa mo go tsa kgopho ya metsi aa leswe ba ne ba sa kgone go tlhabolola matlo a bone ka jaana go ne go sena thuso epe e ba neng ba e bona, tebang le seo. Ba ne gape ba bolelela Mopalamente fa ba lebogela mananeo a puso a nyeletso lehuma. Ba tlhalositse fa a ba tswela mosola e bile a ba namotse mo leubeng ka jaana bontsi bo supile fa ba ne ba sa inee sepe. Le fa go ntse ba ne ba bolele Mopalamente fa goromente a tlisitse mananeo a mantle ao, mme bothata jo ba tshwaraganeng le jone ele jwa bodredi. Ba ne ba bolela fa bodiredi bo le boitseme e bile mananeo a tla tloga a fela ba ise ba thusiwa botlhe ka jaana ba na le kgatlhego ya go tlhabolola matshelo a bone. Bokhutlo politics 7 Mokgatlho o leboga maloko Ke tlwaelo gore fa ngwaga o ya bokhutlong, Batswana bangwe ba iphutlhe metlhala ka go kgaoganya dilwana, madi le go tswa ka megopolo tebang le maikaelelo a go tokafatsa mekgatlho ya bone. E rile bosheng setlhopha sa bomme ba le lesome le bobedi se se bidiwang Re mmogo-Mosadi Thari mo Maun sa bo se le sengwe sa tse di gatetseng pele ka go abela maloko a sone dimpho e le tsela nngwe ya go ipaakanyetsa ngwaga o o tlang. Modulasetilo wa mokgatlho, Mme Kwenana Sikalokae wa kgotla ya Boseja kwa Maun, a re ba ne ba ipopa setlhophana e le bomme, moono mogolo e le go itsolopanya go lwantsha manokonoko a dikgwetlho tsa botshelo a a bakiwang ke tlhaelo ya madi. A re Re Mmogo-Mosadi Thari ke seane se se rotloetsang bomme go ema ka dinao go itirela ka diatla tsa bone ka ba dumela gore mosadi o bonwa ka ditiro. O tlhalositse gore mokgatlho wa bone o simolotse ngogola fa ba ne ba ipeela seelo sa gore mongwe le mongwe wa bone a ntshe madi a a kana ka makgolo a mabedi. Madi a a ne a dirisiwa go rekela leloko lengwe le lengwe dilwana tse di jelang, dipitsa le dikopi. Mme Sikalokae a re ba ne ba leka ka bojotlhe go rekela maloko didirisiwa tsa kago go ya ka botlhoki jwa leloko. Mme Sikalokae o supile fa ba ne ba tshwarela meletlo kwa go mongwe le mongwe wa maloko kgwedi le kgwedi go dira jaana e ne e le tsela ya go rotloetsa botsalano gareng ga maloko le ba masika a bone ka gotwe setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata. A re go dira jaana go ba thusa fela thata, ka ba belegana e le bomme fa yo mongwe a wetswe ke seru kgotsa a na le moletlo jaaka wa lenyalo maloko a tswa letsholo go thusa. Le fa go ntse jalo o supile gore fa go na le moletlo,dilwana tse ba di rekileng ba dirisa tsone go ya go tsweledisa tiro. E re go ntse jalo, mongwe wa maloko Mme Patricia Johanness wa kgotla ya Boseja yo sefatlhego sa gagwe se neng se tletse ka boitumelo o supile fa botshelo jwa gagwe bo fetogile ka a na le tsotlhe tse mme wa lelwapa a ka nnang le tsone. O gwetlhile bomme jaaka ene go se itshele meriti e tsididi ka a re ‘ mabogo dinko a a thebana’. O rotloeditse borre le bone go se ipone tsapa a re le bone ba inaakanye le mekgatlho ya mofuta o go itlhabolola. Mme Goakanyeng Mogapi wa dingwaga tse di masome matlhano le borobabobedi o supile fa a le motlotlo ka tsotlhe tse motshelo o di mo diretseng. A re tlotlo, kutlwano, tekatekano le lorato ke tsone tse e neng e le tsela ya phenyo ya bone. O gateletse thata gore lenyatso mo motshelong ga le tlhokafale go sa kgathalesege gore maemo ke afe. society 9 Mapodisi ba abela ba Maboane Mapodisi a Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba ne ba diretse bagolo le batlhoki ba Maboane dijo tsa motshegare. E rile a amogela baeng, Kgosi Kaisara Phuthego wa Maboane, a galaletsa mapodisi ka tiro e ntle e ba e dirileng, a supa fa tiro e e ba gwetlha e le morafe wa Maboane gore le bone ba ithute mo go se mapodisi ba se dirileng. Kgosi Phuthego o supile gape fa ba itumelela tiro e ntle e e tsweletseng e dirwa ke mapodisi a lefatshe leno, a supa fa ba sa itebaganye le go lwantsha borukutlhi fela mme ba tsisa monyenyo mo setshabeng. O tlhalositse fa tlhokomelo ya bana e le kwa tlase mo batsading, a supa fa bangwe ba seke ba tla malatsing a boitapoloso go ya go tlhola batsadi, a bo a ba lemotsha gore ba gaisitswe ke mapodisi. Mookamela mapodisi a Takatokwane, Superintendent Ocean Maraganyane, o ne a tlhalosa fa ba bonye go le botoka gore e re ngwaga le ngwaga ba direle bagolo dijo tsa motshegare, a supa fa ba simolotse kwa Takatokwane ka 2015, mme ya re ngogola ba direla bagolo ba Salajwe mme ba bona go tshwanela gore monongwaga ba direle Maboane. O ne a tlhalosa fa Kgosi Phuthego a ne a ba eme nokeng mo tirong e, a supa fa ba itumela gore ba tsisitse monyenyo mo difatlhegong tsa bagolo, a bo a ba kopa go itlhatlhobela makoa a a farolganyeng ka ba ne ba biditse le ba bongaka. Mooki Midah Mogonono o ne a supa fa botsogo bo batla motho a tsogile mo mmeleng le mo tlhaloganyong, a tlhalosa fa go ja dijo, bogolo thata tsa Setswana le go itshidila go tsisa botsogo jo bo siameng. Mme Mogonono o supile fa go itshidila go akaretsa go thuga, go tsamaya ka dinao, go tshega le go tshameka, a bo a kopa bagolo go nna ba dira sengwe se se tlaa ba sidilang. O ne a kopa bagolo gore fa ba utlwa ba sa tsoge sentle ba fefogele go ya fa kokelong, a supa gore fa molwetse a nna ka bolwetse lebaka bo kgona go kekela mme e re fa a ya go itekodisa seemo se bo se setse se tsere phekelo e sele. O tlhalositse fa bogologolo bojalwa bo ne bo nowa nako nngwe, mme malatsing a bo nowa tsatsi le letsatsi, selo se se dirang gore batho ba felele ba nna ba tagilwe, a bo a kopa bagolo go ya go ikgakolola gore letsatsi la keresemose le raya eng ka go etela kwa dikerekeng. Mothusa molaodi wa Letlhakeng Rre Mosipidi Mokgolele, o ne a supa gore fa motho a batla go kgoma pelo ya Modimo, a itumedise bagolo jaaka mapodisi a dirile, a supa fa mapodisi a kile a ne a tshajwa bogologolo mme gompieno ba kgona go itumedisa batsadi. crime_law_and_justice 1 Tsogwane o rotloetsa maloko go gagamatsa ipapatso Modulasetilo wa Botswana Democratic Party (BDP), Rre Slumber Tsogwane, o kgothaditse maloko a phathi eo go tshwaraganela ipapatso ya ditlhopho tse di tlang. O buile se kwa Toromoja Phukwi a tlhola malatsi a le masome mabedi le bosupa kwa phuthegong ya go supa ntlhopheng wa bokhanselara jwa kgaolo ya Toromoja/Tsienyane Botlhaba. Rre Tsogwane, yo gape eleng Mothusa Tautona wa Botswana, o rotloeditse maloko a phathi go bapatsa maitlamo le molao motheo wa phathi. A re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o tsweletse le go itsalanya le mafatshe a mangwe ka dipuisano le tshwaragano e le tsone di dirang gore mafatshe a thusane. Rre Tsogwane a re mafatshe a meletsa Botswana mathe ebile a batla go tshwaraganela le ene papadisano. A re tautona o menne phatla go isa Botswana kwa pele mme a kopa setshaba go mo sala morago gore diphetogo tse a di eletsang di diragale. O ba gakolotse go sekaseka mapolotiki pele ga ba ka ba sala morago a re BDP e na le baeteledipele ba ba nonofileng. A re kgang ya metsi e seka ya ba tshwenya ka e bonetswe madi kwa bankeng ya mafatshe. Mokhanselara yo o ithophetsweng gape e le moeteledipele wa ipapatso ya kgaolo ya Boteti Bophirima, Rre Baobonye Loeto, o kopile maloko go bapatsa BDP ka mashetla gore e tle e tsweledise ditlhabololo. Rre Loeto a re dilelo tsa bone tsa lefatshe, ditlou le metsi di tlaa rarabologa ka gore puso ya nako eno ke ya therisano le neelano. Mothusa Tona wa Botsogo le Boitekanelo yo gape e leng mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe a re kgaolo ya Boteti ke boremelelo jwa BDP. Rre Lelatisitswe a re puso ya gompieno ke ya therisano a supa fa go boetswe morago tiriso jaaka fa e ne ya reetsa Batswana mme ya tsaya tshwetso go boela morago tiriso ya motshine o o tlhophisang le go tsibogela kgang ya ditlou. Rre Lelatisitswe o kaile fa ntlhopheng wa kgaolo, Rre Mathias Mbaeva a diretse kgaolo sebaka se seleele e le modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC). A re Rre Mabaeva o tswa kgakala le BDP a le boikanyego ka jalo a kopa maloko go mo ema nokeng. Fa a tswa la gagwe, Rre Mbaeva o kopile banni go mo romela kwa khanseleng go ya go tsweledisa se a ntseng a se dira e le modulasitilo wa VDC. Rre Mbaeva a re o ne a rolela baeteledipele dilelo tsa kgaolo e ka nakotsotlhe, a re o dumela fa a na le bokgoni. politics 7 Tshireletso o itshetsa ka tshipi le senke "Ke boammaaruri gore metlhala ya khumo e mentsi. Rre Lentsenye Tshireletso o ka rurifatsa seo, mme ene o itlhophetse go latela metlhala ya khumo ka go dira ka tshipi le senke go tshetsa ba lelwapa la gagwe. Rre Tshireletso wa dingwaga tse di masome a matlhano le boraro wa kgotla ya Mathuba kwa Machaneng, o boletse mo potsolotsong gore botsala jwa gagwe le go bereka ka tshipi le senke bo sale bo simologile ka 2007 go fitlha mo nakong eno. Ka gotwe dilo makwati di kwatabololwa mo go ba bangwe, Rre Tshireletso a re ga a tswele tiro ya go nosetsa tshipi le senke sekoleng mme o e anywile fela mo mongweng wa ga gabo. O kaile fa a itebagantse le go dira didirisiwa di tshwana le dikotsekara, ditshipi tse di dirisiwang go tshwaa leruo, mabati le diheke tsa senke, meriti e e dirisiwang kwa mabitleng gammogo le matshego. A re, ere le ntswa a ise a nne le botsipa jwa go dira didirisiwa tse dingwe jaaka dikiriba le dipitsa, o kgona go di baakanya fa di senyegile. Rre Tshireletso o boletse fa kgwebo ya gagwe e sa mo ngongoregise ka ene le ba lelwapa la gagwe ba seke ba lala ka tlala, a tlatsa ka gore le bana ba gagwe o ba tsenya sekole ka bontlha bongwe jwa madi a a a dirang. O supile fa a itshimololetse kgwebo e ka bonyennyane jo bo neng bo tswa mo pateng ya gagwe, mme a re o eletsa go bona kgwebo ya gagwe e godile. Rre Tshireletso a re, "" Maikaelelo ke go bona kgwebo yame e godile e bile ke kgona go thapa ba bangwe gore ke fokotse letlhoko la ditiro,"" A re o ikaelela gape go e atolosa mme e bile a kaya fa a setse a e bonetse setsha e bile a na le mogopolo wa go itshwaraganya le ba ba maleba gore a kgone go ikopela madi ka lengwe la mananeo a puso gore a tle a fitlhelele ditoro tsa gagwe. Rre Tshireletso a re boineelo, lorato, botlhaga ga mmogo le tlotlo mo bareking ke boitsholo jo bo botlhokwa thata mo kgwebong. O gwetlhile ba ba santseng ba saletse kwa morago go itsosa ka gotwe mokoduwe go tsoswa o o itekang, a re setshaba se tshwanetse sa ema ka dinao go thusa puso go lwantsha lehuma. Fela jaaka dikgwebo tse dingwe, Rre Tshireletso a re ya gagwe le yone e lebanwe ke mathata a akaretsang bokgakala jwa kwa a rekang didirisiwa teng le go tlhoka go duelwa sentle ke bangwe ba ba tsayang dithoto tse a di dirang ka sekoloto.BOKHUTLO" economy_business_and_finance 3 Etsha 8 o itumelela ISPAAD Balemi ba Etsha 8 ba itumeletse go tsenyetswa terata ya masimo ka lenaneo la ISPAAD. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, mongwe wa maloko a mokgatlho wa Tshwaragano Rre Johnson Nashwena o supile fa ba le mo boitumelong jo bogolo thata ebile ba solohetse go bona thobo e e kgolo mono ngwaga. A re e le balemi ba Etsha ba ile ba ikopanya morago ga go utlwa ka lenaneo le ko molemising wa bone mme ba ikatumeletsa go ya go kopa dithuso. “Ga re a ntsha le ha e le thebe, lenaneo le ke e le siameng fela thata ebile re setse re tshwere dilotlele tsa masimo a rona,” Rre Nashwena a supa boitumelo. O supile fa molemisi wa bone mo kgaolong a ne a ba thusa ka botswapelo, segolo jang fa ba setse ba tlhama molao-motheo wa lekgotla la bone. Mookamedi wa tsa thobo kwa Gumare Rre Moreetsi Mogolo o buile gore ba simolotse go rulaganya tse di tlhokegang le mokgatlho wa Tshwaragano ka 2008“Tiego e tlile fa balemi ba tshwanetse go tla ka molao-motheo, mme karolo e ke yone e e botlhokwa thata mo lenaneong le ka gore puso e batla batho ba tshwaragana ba dira mmogo. Jaanong molao motheo o tshwanetse wa tsepama, wa itlhalosa ebile o akaretsa maloko otlhe,” ga tlhalosa Rre Mogolo. A re go setse go na le balemi ba le mmalwa ba ba supang kgatlhego mo lenaneong ebile ba setse ka ikatumeditse fa dikantorong tsa bone. “Re na le balemi ba Xhurube, Sepopa, Etsha 10 le Etsha 5 ba re setseng re bereka le bone,”ga bua Rre Mogolo. BOKHUTLO environment 5 Banni ba Lobatse ba ngongoregela therisanyo Mokhanselara wa Peleng Legare, Rre Monabana Mokganedi a re banni ba Lobatse ga ba tshabe diphetogo, mme ba eletsa go akarediwa mo mererong ya ditsamaiso tse di ba amang. Rre Mokganedi o boletse jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mogokaganyi wa motshine wa ditlhopo, Rre Gabriel Seeletso mo Lobatse ka Mosupologo. Rre Mokganedi a re bone ba lebogela motshine o o tlhophisang, mme fela ba kopa gore mo nakong e e tlang ditshwetso tse di ntseng jaana di ne di dirwa go sena go rerisiwa Batswana pele. O ne a tlhalosa fa batlhophi ba ikemiseditse go dirisa motshine; mme a re ithutuntsho e a tlhokega gore mongwe le mongwe a nne le kitso ka tiriso ya one. Mongwe wa banni ba Lobatse, Rre Solly Diphoko o ne a latlhela la gagwe a re patlo maikutlo e ne e tshwanetse gore e kabo e dirilwe go tsaya megopolo mo batlhophing gore le bone ba latlhele se ba nang le sone ka fa ba eletsang gore tsamaiso ya motshine e nne ka teng fa ba dumalana le one. Rre Diphoko a re ba romile mapalamente kwa palamenteng go ya go ba buelelela e seng go tsaya ditshwetso ba sa ba rerisa. E rile a fetola, Rre Seeletso a re mapalamente ke baeteledipele e bile ke batsadi, a re motsadi o kgona go tseela bana ditshwetso mo lapeng le fa ba se yo, a itse gore tshwetso e a e tsayang e ka ba solegela molemo. BOKHUTLO politics 7 Kgang e a kukela kwa Mogononong Mapodisi a Thamaga a mo patlong ya batho bangwe ba ba tlhorontshang banni ba masimo a Mogononong gaufi le Kumakwane kwa kgaolong ya Kweneng. Mogolwane wa Mapodisi a Thamaga, Superintendent Moses Kwarare, a re sebe sa phiri ke tlhaelo ya bodiredi le ditsompelo jaaka dikoloi. Le fa go ntse jalo, a re ba beile seemo leitlho go thusa morafe jaaka go tshwanetse. Kgang kgolo ke gore batho bangwe ba ba utswang motlhaba wa molapo ba tlhorontsha banni ka go ba tshubela matlo le go ba tshosetsa matshelo. Bosheng go tshubilwe matlo a le mararo mo malwapeng a mabedi aa farologanyeng. Go belaesega fa tiragalo e, e dirwa ke batho bangwe ba ba reng banni ba ba kgoreletsa go epa motlhaba mo molapong wa Metsimotlhabe. Go bolelwa fa mongwe wa babelaelwa, yo go kaiwang e le motswakwa, a ne a tlhasela lelwapa la ga Mme Kelemogile Batsietsi ka go tshuba ntlo e e neng ya sha ya ba ya lora. Seemo se, se ne sa tlama bogogi jwa kgaolo potlana ya Mogoditshane/Thamaga go tshwara phuthego ya tshoganetso ka Labotlhano. Bogogi kwa phuthegong eo, bo ne bo akaretsa modulasetilo wa khansele potlana, Rre Dukes Mafhoko, molaodi Rre Gobe Macha le mapodisi. Le fa go ntse jalo, e ne ya re phularong ya bogogi jwa kgaolo, ga tshujwa matlo a mabedi a lelwapa la ga Rre Goitsemodimo Motsewabeng. Se, ke sone se tlogetseng banni ba masimo a Mogononong ba jele magala. Ba re fa maphata aa lebaneng a sa ba emele ka dinao, ba tlaa ipusolosetsa. Bangwe ba bone ba boletse mo potsolotsong fa ba itshokile mme jaanong ba ba baletswe. Modulasetilo wa komiti e lwantshang borukutlhi kwa kgaolong eo, Rre Moffat Letsholo, a re ba ne ba na le tsholofelo ya gore ba ba lebaneng ba tlaa tsaya boikarabelo jwa go tlhomamisa pabalesego ya bone mme ga go nko ee tswang lemina. A re mapodisi a kgaolo ya Thamaga a goga dinao go ba thusa ebile ba sireletsa batlhasedi ka go ikgatholosa bothata jo banni ba iphitlhelang ba le mo go yone. “Re ipotsa gore a dikgato tse di maleba di tla tsewa fa go setse go sule motho ka jaana re ne ra supa gore matshosetsi a batho bao a a tshela, mme ra ikgatholosiwa go fitlhela bothata joo bo ipoeletsa”, ga tlhalosa Rre Letsholo. Kgosana wa kgaolo, Rre Masega Thobega ene o solofeditse fa atlaa tsibogela kgang eo ka go tsaya dikgato tse di maleba. A re o simolotse ka go kgalema ngwana wa gagwe yo go kaegang a amega mo dikgannyeng tseo. Banni bangwe ba tlhalosa fa ba tshelela mo poifong e bile ba tlamega gonna ka digongwana bosigo le motshegare ka jaana ba tsweletse ka go amogela matshosetsi. Molaodi wa kgaolo potlana ya Mogoditshane/Thamaga, Rre Gobe Macha, a re e re le ntswa ba tsweletse ka go batla tharabolo ya sennela ruri, tsholofelo ke gore ba tlaa ntsha setlhopha go baa seemo leitlho bosigo le motshegare. Fa a ntsha la gagwe modulasetilo wa khansele potlana, Rre Mafoko a re ba ne ba tsibogela seemo seo ka go thusa ba ba amegileng ka dijo le diaparo. Fela a re o tlhobaediwa ke gore mapodisi a goga dinao go thusa morafe go tila tshololo ya madi. O solofeditse go tseela kgang kwa pele. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Molapowabojang o mo lenyoreng Kgosi wa Molapabojang mo kgaolong ya borwa o lela sa khuranyo ya meno ka ntlha ya letlhoko le le ntsi la metsi mo motseng wa gagwe. Kgosi Michael Ratsoma o buile seo mo potsolotsong, a tlhalosa fa ba bone metsi la bofelo kgwedi eno e tlhola gabedi. A re seemo seo se ba baya ka fa mosing, a tlhalosa fa bangwe ba babereki mo motseng ba sa theogele ka ntlha ya go tlhoka metsi. A re se se ngomolang pelo ke gore go lebega ekete ba koparase ya metsi kwa Lobatse ga ba tsibogele seemo seo. Kgosi Ratsoma a re dikolo di sa tswa go bulwa mme a re o ipotsa gore bana ba dikolo ba ya go tshela jang ntleng le metsi. O supile fa ka nako ya ba nosiwa metsi ke ba khansele ya Borwa letlhoko la metsi le ne le le botoka mme a re nako e tsile ya gore puso e ba busetse kwa khansele eo ka gore ba gomagomediwa ke go nyelediwa ke lenyora. Mongwe wa banni ba Molapowabojang, Mme Rethabile Johane, le ene o tlhalositse fa go tlhoka metsi go sa ba kgontshe go dira ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi. A re gantsi ba gelela metsi ka ditanka go a dirisa mo isagong mme mo go seno sebaka ba setse ba a dirisitse otlhe, a tlatsa ka gore ba kopa metsi mo Lobatse fa bangwe bone ba reka mo marekisetsong a tshwana le Choppies . Bangwe banni ba motse oo, ba ne ba tlhalosa fa le mananeo mangwe a puso a akaretsang la temo ya merogo a pala, ka ntlha ya seemo sa metsi se se sa ba letleng go dira sepe. Ba re ke mangwe a mananeo a a neng a ka ba tswela mosola fa metsi a ne a le teng. Banni bao ba supile fa ba kopa metsi kwa metseng e mengwe e akaretsa Digawana le Lorwana, ba tlhalosa fa bangwe ba ba lopa madi go ya go ba gelela metsi. environment 5 Dikgosi di kopiwa go lwantsha mogare Mothusa Tautona Slumber Tsogwane a re le fa mo nakong eno go se ope yo o tshwerweng ka mogare wa COVID-19, go botlhokwa go monela marulana pele. Fa a buisa maloko a Ntlo ya Dikgosi kwa dikagong tsa Palamente ka Labobedi, Rre Tsogwane o ne a re puso, e eteletswe pele ke baitseanape ba lephata la botsogo le boitekanelo e loga maano a go thibelela gotlhelele gore mogare wa corona o seka wa tsena mo Botswana. A re mosele wa pula o epiwa go sale gale, e bile setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata, ka jalo go botlhokwa gore dikgosi di tshwaragane le mapolotiki le badiredi ba lephata la botsogo go lwantsha le go thibela kanamo ya mogare wa corona. Rre Tsogwane o supile fa magosi a na le seabe se segolo mo go iseng dikgang kwa morafeng. O supile gore thekiso ya bojalwa mo malwapeng ke nngwe ya tse di tlaa angwang ke melawana ya go laola kanamo ya mogare wa corona. Ka jalo, a re puso e ikuela mo magosing go thusa go tsibosa morafe gore maiteko a a dirwang go laola mogare wa corona a nne le mosola. O supile gore dipalo tsa batho mo ditirong tsa morafe jaaka manyalo le dintsho di tla amiwa ke melao e e laolang go kgobokana ga batho. Maikaelelo ke go itsa kanamo ya mogare wa corona, ka jalo batho ga ba letlelelwe go kgobokana mo lefelong le le lengwe ba feta lesome, ga tlhalosa Rre Tsogwane. Motsamaisa dipuisanyo tsa Palamente, Rre Phandu Skelemani o tlhalositse gore ka tsamaiso ya Setswana, ‘mafoko a kgosi a agelwa mosako’, ka jalo a dumela gore molaetsa wa ba botsogo o o itebagantseng le go lwantsha corona o tlaa goroga kwa morafeng. “Fa go bua magosi, theetso e tlaa nna teng, thata le gone,” ga gatelela Rre Skelemani. Rre Skelemani a re o lemogile bosheng mo ditirong tsa morafe ka go farologana, fa bangwe ba setse ba simolotse go tshegetsa ditaelo tse di beilweng le fa gone batho ba sa utlwele gongwe ka go lebega bangwe ba saletse kwa morago. “Re batla gore le bolole lotlhe, mapolotiki le magosi le bue le Batswana.” E rile a lekodisa dikgosi ka seemo sa bolwetse jwa COVID-19, tona wa lephata la botsogo le boitekanelo, Dr Lemogang Kwape a re bokete le bogale jwa segajaja sa COVID-19, bo gomagometsa mehama ya botsogo, itsholelo le itshireletso. “Marara, mpudi o haretswe, a re itseteleng adimo re thibele mmaba yo. Mogare wa corona ga o tlhophe malata, o ganyaola fela,” ga tlhalosa Dr Kwape. Dr Kwapeng a re le fa ba botsogo le boitekanelo ba tsweletse ka go dira dilthatlhobo, ka pabalelo ya Modimo ga go ise go nne le ope yo o tlhomamisistsweng a tsenwe ke mogare mo Botswana, ka jalo mo nakong eno ntlha ya konokono ke thibelo. “Re malala a laotswe gore ba ba fitlhelwang ba lwala ba thusiwe ba tokafale. Re tsweletse ka go tlhabolola ditlamelo tsa botsogo go lepalepana le segajaja se,” ga tlhalosa Dr Kwape. Dr Kwape a re badiredi ba botsogo mo dikgaolong ba filwe maele a go keleka balwetse gore ba kgone go lemoga ba ba supang dikai tsa mogare wa corona. A re magosi ba tsee boikarabelo jwa go anamisa molaetsa wa itshireletso. “A re bueng le setshaba gore bana ba rona ba ba kileng ba supa dikai tsa mogare mme go tlhomamisitswe gore ga ba na nao, le ba ba tswang kwa mafatsheng a a amilweng bobe ke mogare wa corona, ba seka ba bifelwa,” ga tlhalosa Dr Kwape. Modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi, Kgosi Puso wa Batlokwa a re bosele bo sena mahube, ka jalo Batswana ba solofele gore ga ba kake ba kgona go dira ditiro tsa matshelo a bone le tse dingwe ka mokgwa wa tlwaelo. “Ga se nako ya go bua gore re tlwaetse go dira jaana, ke nako ya go fetola mekgwa ya go dira. A re ruteng Batswana go tsaya boikarabelo jwa go amogela diphetogo tse di tlang ka mabaka a bolwetse jwa COVID-19,” ga tlhalosa Kgosi Puso. health 6 Tshireletso ya ngwana boikarabelo jwa botlhe Go tlaa agwa dikole tse dipotlana di le tharo mo kgaolong ya Palapye. Go buile jalo Mopalamente Moiseraele Goya yo o neng a buisa phuthego bosheng, o ne a araba ngongora go tswa banning ya gore maduo a bana ba dikole tse dipotlana ga a jese diwelang. Ba re se se dirwa ke gore ba tsaya mesepele e meleele go ya sekoleng. Rre Goya a re dikole tse di ntsha tseo di tlaa fokoletsa bana mesepele. Banni ba ne ba bolelela mopalamente ka borukutlhi jo bo ileng magoletsa, bogolo jang jwa tiriso botlhatswa ya bana ba basetsana. Ba bua jaana ka go bo mapodisi a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mosetsanyana mongwe a neng a dirisiwa botlhaswa ke monna mongwe a bo a mo keteka. Mapodisi a supile fa a ipapanne go lwantsha dikgang tseo ka go tlhoma setlhopha sa makolwane le maroba a motia go itepatepanya le borukutlhi joo. Mokhanselera wa Mmaphule Bophirima Mme Segametsi Ralegoreng a re seemo seo se ngomola pelo. O ne a supa batsadi ka monwana a re ba na le seabe mo ditirong tse di maswe tseo ka ba itlhokomolositse kgodiso le kgolo ya bana. A re tiriso ya bana botlhaswa le dipetelelo di diragalela bogolo jang bana ba dingwaga tse di kwa tlase. O ne a supa fa ngogola a ne a tsaya matsapa a go itebaganya le bana ba ba sailang mo mekgwatheng. A re kgato eo e ne ya nna le maduo ka bangwe ba bana ba ne ba kgona go boela sekoleng. A re seemo se se phatlola pelo ka se bakwa ke majalwa a batsadi ba bana bao ba a dirang, mme e bile gape a oka dirukutlhi. Mogolwane wa tsa thuto Mme Neo Kubuetsile o ne a supa fa lephata la gagwe le dira ka gotlhe go godisa ngwana go tsamaelana le thuto. O tlhalositse fa go na le lenaneo la go isa maduo kwa setshabeng le gone go tlhabolola thuto kwa malapeng, le go rotloetsa boitshwaro jo bo siameng ka go inaakanya le mekgatlho e tshwana le ya bosupatsela e e rutang bana maitseo le setho. Banni gape ba ne ba supa matshwenyego ka tiego ya go ajwa ga ditsha kwa Extension 11, ba re go didimetswe fela ntswa ba ne ba solofeditswe gore kabo ya ditsha e tlaa dirwa di sena go tsenngwa ditirelo. Ba re jaanong lefelo leo le fetogile mafudiso. Ba ne ba ngonorega gape gore ditsha tsa bone di mo selokong mme ka dinako tsa dipula ga ba kgone go tswa mo malapeng. Ba kopile go letlelelwa go dirisa ditsha tse di seegetsweng fa thoko ke ba lephata la kabo ditsha ka di oka magodu le gore beng ba ditsha tse di sa tlhabololwang ba batlwe ka gore di medile ditlhare mme le tsone di ba okela magodu. Fa a araba, modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Palapye Rre Joseph Mokgethwa o ne a re kabo ya ditsha tsa Extension 11 e simologile mme go supega fa bontsi jwa baikopedi ba setse ba abetswe lefatshe. O tlhalositse fa ba se kake ba abelwe ditsha gape kwa Extension 11 mme di ya go abelwa ba ba senang ditsha gotlhelele. Ka ditsha tse di seegetsweng fa thoko, o rile banni ba ka di dirisa ka nako e ba nang le ditiro di tshwana le manyalo, kana dintsho ka ditsha tsa bonno di le dinnye fela thata. Ka kgang ya go dutla ga dipompo, mogolwane wa metsi Mme Daphne Motsumi o boletse fa koporase ya gagwe e na le dinomore tsa megala tse di lelediwang mahala tse morafe o ka di dirisang go bolela fa dipompo di dutla. O ne a ba a bolelela dinnomore tsa go nna jalo. BOKHUTLO health 6 Ba Nata ba le arametse Banana ba Nata ba tlhoganya sentle puo e e reng phokoje yo o kwa morago dintsa di a bo di mmone. Ka jalo eme ka dinao go dirisa diatla tsa bone go tlola melatswana ya letlhoko la ditirole lehuma. Mongwe wa bana bao, Mme Oaitse Andrise, yo o dingwaga dimasome a mararo le bobedi o tlhalositse fa a akola maduo a kgwebo ya gagwe yago loga moriri le go kgabisa dinala. A re o simolotse kgwebo morago ga go lemoga goreo ka tloga a babalelwa ke tshokolo mme o ne a ikopela madi mo pusong mme aatlega. Mme Andrise a re tiro ya gagwe ya go dira batho moriri otswa kgakala a e dira e bile o eletsa go e godisa. A re go sa kgoneng gotsweledisa dithuto tsa gagwe ga go a mo nyemisa moko. O tlhalositse fa a ne a nna a tshwarelela ga nakwana modikgwebong tsa ba bangwe go fitlhelela a simolola ya gagwe. Mme yo a re le fa kgwebo e le boutsana ka dinako tse dingwe,lemmenyana le a le bonang le mo thusa go godisa kgwebo ya gagwe mme gape osetse a tsere kgato ya ntlha go godisa kgwebo ya gagwe ka go rekisa diaparo ledikobo. Fa a ntsha la gagwe, Rre Oteng Siwawa, yo le ene a nang lekgwebo ya gagwe ya go baakanya dikhomputara, a re o bona a le lesego go bo a Rre yo o dingwaga di masome a mabedi le boferabobedi yo otlholegang ko Tsamaya, a re o bone Nata jaaka lefelo la kgwebo ka le etelwa kebatho ba bantsi ba bojanala mme kgwebo ya gagwe e ka thusa thata le ka tsamaranyane a enthanete. A re go simolola kgwebo go ka tswa go na le dikgwetlho jaakatsamaiso e ntsi e e tsewang fa go simololwa kgwebo, kwelo tlase ya itsholelokgotsa ba gaisanya le bagwebi ba bangwe. Mme o ne a re o rotloetsa gore batho ba nne le maitlamo a godiragatsa le boitshoko, mme a re banana thata o ba rotloetsa go ikemela ka Go sa le foo, fa a ba kgwa kgaba, Mme Lingani Mbaiwa, yo eleng moroki a re tiro ya gagwe e a kgatlhisa, e bile Batswana ba mo eme noke A re o sa le a kgatlhegetse tiro ya boroki a sale kwasekoleng, a re gape o ne a kgatlhiwa ke mme mmaagwe a dira ka diatla tsa gagwe. Mme Mbaiwa a re tiro e supa isago e e ntle mme a re se a seithutileng kwa sekoleng e ne e le gone tota go roka ka a ne a rata se a se A re go bo a thusitswe ka madi ke puso go mo inotse motshokolong le go tlhoka tiro, mme a re le ntswa kgwebo e setse e dira sentle,go na le dikgwetlho tse a kopanang le tsone tse di fokotsang tsamaiso ya kgweboya gagwe. economy_business_and_finance 3 Batsadi ba tshwanetse go nna podimatseba Mogolwane go tswa kwa lekalaneng la CEDA Rre Andrew Madeswi o kopile batsadi go nna kelotlhoko mo go se bana ba bone ba se ithutang. A re ntswa go na le tsa maranyane tse gantsi baithuti ba di dirisang kwa malwapeng di tshwana le Internet tse di ba thusang mo dithutong, ga go a tshwanela go leselediwa fela. Rre Madeswi o ne a bua jalo kwa kabong ya dimpho ya sekole se segolwane sa Sefhare bosheng. A re mo dipakeng tsa gompieno ditsela tse moithuti a ka di dirisang go ithuta di dintsi. A re batsadi ba tshwanelwa ke go betla bana mme ba itse fa maitseo a ngwana a simolola kwa lwapeng. A re go dira sentle kwa sekoleng go tshwanetse go tsamaelane le maitseo a a siameng. O ne a rotloetsa baithuti ba sekole se segowane sa Sefhare go rata dithuto ka e le tsone di ba betlelang isago. A re thuto ke yone modi wa sengwe le sengwe. O ne a itsese batsadi ba ba neng ba tseneletse kabo ya dimpho fa lekalana la CEDA le tlhametswe Batswana gore ba adime madi mo go lone mme ba ipulele dikgwebo ba kgone go itshetsa ba bo ba direla Batswana ba bangwe ditiro. A re fa ba sekaseka dipalo, go supafala fa banni ba Sefhare/Ramokgonami ba sa akole dithuso tsa CEDA, ka jalo o ne a ba solofetsa fa ba tlaa bula ofisi e e mo kgalong ya Sefhare/Ramokgonami gore banni ba kope dithuso segautshwane. A re ga go motlhofo gore lekalana la CEDA le tle pitsong e tshwana le ya kabo ya dimpho mme ba ne ba sekaseka taletso ya sekole seo mme ba lemoga fa ba tlhoafetse mme ba ka rata go amanngwa le bone. O ne a abela sekole seo dibalamakgolo di le pedi. Mogokgo Bauni Phuthego a re sekole sa gagwe se ka tswa se le sennye mme se na le maikaelelo a a kgatlhisang. A re ba na le maikaelelo a go ntsha ngwana yo o tlaa gaisang ba bangwe lefatshe ka bophara mme a kgone go isiwa ke puso kwa sekoleng se se faphegileng. mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami Mme Dorcas Makgato o o ne a abela moithuti yo o gaisitseng ba bangwe sebalamakgolo. A re o ne a itlama gore o tlaa abela moithuti yo o dirileng sentle sebalamakgolo seo gore a kgone go tswelela a ithuta sentle. BOKHUTLO education 4 Khansele e gakololwa go atolosa dithuso Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Frans van der Westhuizen, o kgothaditse badiri ba khansele ya Bokone Bophirima go atolosa dithuso tse ba di neelang ba ba tlhokileng lesego. O buile se kwa Maun ka Mosupologo fa khansele e ne e abela lelwapa la ga Mme Diana Lemponye dikgetsi tsa samente. Mpho e, e tla morago ga gore boora Lemponye ba tlhokafalelwe ke motsadi morago ga gore ntlo e a neng a robetse mo go yone e jewe ke molelo. Rre van der Westhuizen a re khansele e ka ikopanya le ba ba ikemetseng le dikhamphani, go gokelela ba ba tlhokileng lesego motlakase, go na le go ba thusa ka matlo fela. O ne a gwetlha khansele ya Bokone Bophirima go tlhama letlole, go kokoanya madi a dithuso gore ba atolose dithuso tsa bone. Rre van der Westhuizen o lebogile khansele le batsaya karolo kwa phuthegong ya national planners seminar, e e tshwaretsweng kwa Maun go bo ba ikgolagantse le bagwebi go thusa ba malwapa a a tlhokileng lesego. A re ba dirile tiro e ntle e e tsweledisang tebelopele ya setshaba. Mokhanselara wa kgaolo ya Boseja-Kubung, Rre Vepaune Moreti o lebogile tona go tlhola loora-Lemponye. Rre Moreti a re thuso eo, ke phimola dikeledi mo go ba lelwapa morago ga go boloka motsadi wa bone. Dithuso di ne di akaretsa dikgetsi tsa semente di le masome mane go tswa kwa Jamal Trading, fa terata go thusa lelwapa le lengwe e ne e tswa kwa khamphaneng ya tsa kago ya Archain. BOKHUTLO society 9 Go itekodisa go ka thusa go fema mathata Lekawana lengwe la dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe la kgotla ya Borakanelo mo Tsabong le ikaleditse. Se se tlhomamisitswe ke mookamela mapodise a Tsabong Superintendent Howard Modo mo puisanong le ba lekalana la dikgang la BOPA bosheng. Superintendent Modo o ne a tlhalosa fa lekawana leo le le neng le bereka mo lebentleleng lengwe mo Tsabong morago ga ba masika go lemoga fa a sa ya tirong ba ya go kokota mo ntlung e a neng a robala mo go yone mo maphakeleng a letsatsi leo kgwedi eno e le lesome le boraro ga se ka ga nna le karabo epe ba okomela ka seokomela bagwe mme ka go tlhoka lesego ba mo fitlhelela a akgega mo ditlhomesong tsa ntlo eo. O supile fa e ne ya re morago ga tiragalo eo ba masika ba ya go begela mapodise ba ba neng ba mo ragosetsa kwa sepateleng kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a setse a tlhokafetse. Ditlhotlhomiso tsa mapodise di sa ntse di tsweletse mabapi le se se ka tswang se bakile tiragalo eo. Kwa bokhutlong Superintendent Modo o ne a gakolola setshaba bogolo jang banana go kopa dithuso le dikgakololo le go bua mathata a ba nang le one mo go ba ba lebaneng ba akaretsa ba bogosi, ba sepodise ba boipelego batsadi le ditsala tsa bone ka seo se ka thusa thata mo go hemeng ditiragalo di tshwana le tsa mofuta oo. E re dikgang di eme jalo mookamela mapodise a Tsabong o ne a tswelela ka go tlhalosa fa mapodise a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go utswilweng engine e e lopileng madi a a kanang ka P21 000 kwa sedibeng sengwe mo Kisa se se gogelang metsi kwa morakeng wa Tshetlhwane. Rre Modo o kaile fa e ne ya re bosheng monna mongwe a phakelela kwa sedibeng seo go ya g dumisa engine a fitlhela maloba e le maabane e seo. Superintendent Modo o supile fa ba ise ba tshware ope mabapi le tiragalo eo fa ditlhotlhomiso tsa mapodise tsone di sa ntse di tsweletse. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Ba Tshwaaane ga bana go thubelwa Mopalamente wa Moshupa, Rre Mokgweetsi Masisi o tlhaloseditse banni ba kgotla ya Dibotong ba ba agileng kwa Tshwaane gore puso e tsere tshwetso ya gore ba seka ba thubelwa matlo a bone ke ba kabo ditsha jaaka gone go tlhalositswe pele. Mopalamente Masisi yo o ebileng gape ele tona wa Ofisi ya ga Tautona le Bodirela Puso o tlhalositse jalo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa kgotleng ya Dibotong mo Moshupa ka mosupologo. O boletse gore morago ga selelo sa bontsi jwa mafelo mo Botswana aa neng a kaiwa ele a bo maipayafela a tshwanetse go thubiwa mme khuduthamaga ya matona a puso ya kopanya ditlhogo go tlhotlhomisa go tsenela kwa teng, mme tshwetso ya nna gore baba siameng batla abelwa ditsha sentle fela ba sa thubelwa. Tona Masisi o boletse fa mo kgaolong ya gagwe metsana ee seng kafa molaong jaaka Goo Kodisa, Tshwaane, Diboto le Bikwe di sena go thubiwa mme ba ba seng kafa molaong batla hudusiwa morago ga dipuisano. Tona Masisi o boletse fa dikgaolo tseo tsotlhe a di itse le gore ke metse se masimo ebile ba na le lobaka ba ntse ba lema foo thata, mme a bolela fa khuduthamaga ya matona a puso a bone gole botlhokwa go bua kgang eo kwa ntle ga kgotla tshekelo. Rre Masisi o kgadile batho bangwe baba tsamayang ba tshosetsa banni ba metsana eo gore puso e setlhogo e tsile go ba thubela go sena lobaka lepe mo masimong a bone a bogologolo. Banni bane ba amogela tshwetso ya puso ka megolokwane le monyenyo o mo tona, ba bolela fa ba ntsi ba ne ba nna ka tlhobaelo e tona. Ba boletse fa ba tla wela dibete fa ba letlelelwa go aga semmuso ko maropeng a bone. Bokhutlo politics 7 Batswana ba kopiwa go tsena diphuthego Batswana ba kopilwe go tsena diphuthego tsa kgotla ka jaana go le botlhokwa go rerisana ka dikgang tse di amang motse le go utlwa ka mananeo a puso. Kgosi ya Mokatse kwa kgaolong ya Kgatleng, Rre Mmileng o boletse fa a tshwenngwa ke gore Batswana ba ntse moriti o tsididi fa go tla mo go tseneng diphuthego tsa kgotla mme a supa fa seo se sa siama gotlhelele. A re Motswana o rile lefoko la kgosi le agelwa mosako e bile pilediwa e a lwela, se se supa fa go le botlhokwa gore botlhe ba tle phuthegong go sa kgathalesege gore e biditswe ke mang ka molaetsa o tla sologela setshaba molemo. Kgosi Mmileng a re banni ba motse wa gagwe ba maoto a tshupa go tla diphuthegong mme a tlhalositse fa a lemogile gore selo se ke bolwetse jo bo wetseng Botswana ka kakaretso. O supile fa a leka ka bojotlhe go supetsa morafe wa gagwe botlhokwa jwa go tsena diphuthego mme a re o lemogile fa bogolo jang borre ba sa tle diphuthegong ka makatla-namane. O tsweletse a re o swabile nko go feta molomo fa a sena go utlwa gore bangwe ba re ga ba kake ba tsena diphuthego ka jaana badirela puso ba ba buang le bone ba a bo ba dira madi fa bone ba sa boelwe ke sepe. A re ga a tlhaloganye gore ke eng batho ba bua jalo ka jaana badirela puso ba thapilwe gore ba ba direle le gone go buisana le bone ka tse di amang tsamaiso ya puso le ditshwanelo tsa bone e le Batswana. A re sebe sa phiri ke gore bontsi ja batho ba ba buang jalo ga ba kgathale ka matshelo a bone e bile ga ba rekegele bokamoso jwa bone ka jaana ba tlhola fela mo bojalweng ba sa dire tiro epe. O supile gape fa gona le batho bangwe ba ba rekisang bojalwa ka dinako tse di sa letlelelweng e bile bangwe ba bo rekisa ka go tsenya batho mo ntlong mme go nowe go iphitlhilwe. A re selo seo ke go tlola molao ka go dirilwe molao wa thekiso ya bojalwa, jalo a kopa ba ba dirang jalo go obamela molao le dinako tsa bojalwa. O tsweletse a kopa barekisi ba bojalwa go rekegela matshelo a ba ba rekang e seng go kgatlhegela go dira dipoelo fela ka matshelo a batho a felela a senyega. O kgothaditse banni ba motse oo go emela matshelo a bone ka dinao le gone go bontsha bana tsela gore ba kgone go busa lefatshe ka kitso le tsamaiso e e nitameng mo isagong. A re le fa go ntse jalo, motse wa gagwe o na le kagiso le thokgamo le ntswa go seke go tlhoka maidi mme fela dilo di tsamaya sentle. A re le bone banana ba a iteka le fa gone ba sa ntse ba saletse kwa morago mo dilong di le dintsi mme o dumela gore mo tsamaong ya nako dilo di tla siama. Kgosi o rotloeditse botlhe go emela dikgang tsa motse wa bone ka dinao le go dira mmogo gore ditlhabololo di seka tsa ba tlola le tsotlhe tse puso e eletsang go di dira di tsamaye ka thelelo. BOKHUTLO society 9 Ditiro tsa diatla bokamoso Monana mongwe kwa Makaleng, yo o itshetsang ka go dira dilwana tsa ntlo tse di akaretsang ditafole le mabeelo a diaparo, o rotloeditse banana go inaakanya le dikolo tsa ithutelo ditiro tsa diatla. A re seno ke ka gore kamoso ba bo ba kgona go itshetsa ka go itirela ka diatla tsa bone go na le go sokola ba tshelela mo lehumeng ka ntlha ya letlhoko la ditiro. Mo potsolotsong bosheng, Rre Milikani Hloma wa madirelo a Bakahloma Shopfitters and Furniture Making, o tlhalositse fa go itirela ka diatla go busetsa. A re banana ba gompieno ba boitseme go itirela, gammogo le gone go ya dikoleng, segolo jang bone ba ba sa atlegang kwa dithutong tse dikgolwane tsa mophato wa boraro le wa botlhano. Mme Hloma a re bontsi jwa bone ba gobeya mo mebileng fa bangwe ba ineeletse go bereka ditiro tsa dikatso tse di kwa tlase le ntswa puso e thapolotse letsogo gore ba kgone go ipetlela isago e e eletsegang. Rre Hloma o tsweletse ka gore ene kgwebo ya gagwe e a e simolotseng ka ngwaga wa 2004, e mo direla bontle fela thata ka a kgona go bona madi a a kanang ka dikete tse di lesome le borataro tsa dipula ka kgwedi, ka dithuto fela tse a tswang go di anywa kwa sekolong sa ithutelo tiro ya diatla kwa Nswazwi. A re banana ba tshwanetse go ithutela tiro e ba tlaa tsogang ba e nwa moro go na le go sokola ba sa bone ditiro tse le tsone di tsentseng barutegi fa le fa. Gape a re banana ba tshwanetse go nna tlhaga go emela matshelo a bone ka dinao e seng gore puso e nne e ba akanyetsa ka dinako tsotlhe. O tsweletse ka gore puso e tlhamile lenaneo la banana go ba ema nokeng go nosetsa dikgwebo tsa bone. A re o ne a thusiwa ka madi a a kanang ka dikete tse di masome a matlhano a dipula ka ngwaga wa 2007, ka a ne a batla go oketsa madirelo a gagwe morago ga go bona kgwebo e ntsha maduo. Rre Hloma a re pele ga dithuso tseo o simolotse kgwebo ya gagwe ka madi a a tswang mo kgwatlheng ya gagwe le gone a ne a e direla ka fa tlase ga setlhare mo thoko ga tsela. E rile a latedisa botshelo jwa gagwe, Rre Hloma o tlhalositse fa a berekile kwa madirelong mangwe a a dirang dithoto tsa mo ntlong kwa Gaborone dingwaga tse tharo. A re tiro eo e ne ya mo fa lesedi la go betla le go dira dithoto tsa ntlo, ya bo ya mo thusa go oketsa botsipa jo a neng a bo anywile kwa sekoleng. Ntle le go dira dithoto tsa ntlo, Bakahloma e baakanya gape le tse di senyegileng segolo jang ditilo mme o kaile fa e le nngwe ya dikgwebo tse di bogadi bo gaufi. A re o eletsa go oketsa madirelo a gagwe mo ngwageng o o tlang ka go dira lebentlele la marekisetso kwa setsheng sa gagwe se se kwa Masunga. O tsweletse ka gore mo dingwageng tse pedi tse di tlang, o ikaelela go anamisetsa kgwebo ya gagwe kwa mafelong a a farologanyeng ka go ya go rekisa dithoto tsa gagwe teng. economy_business_and_finance 3 Ba WUC ba tsweletse ka mowa wa kutlwelobotlhoko E re le ntswa koporase ya metsi ya Water Utilities (WUC) e tshwaragane le namane e tona ya tiro ya go siela setshaba metsi, fela go a itumedisa go bo e santse e ngaparetse mowa wa yone wa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Koporasi eo, e rurifaditse seo kgwedi eno e le lesome le boferabongwe jaaka ba lekalana la Masunga ba ne ba abela Mme Gaolathe Mokgacha, wa mo-na-le bogole, wa Vukwi mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, ntlo ya dikamore tse pedi, e gokeletswe motlakase le metsi ga mmogo le didirisiwa tse dingwe tsa mo ntlong, tse di lopileng P104 000. Fa a rolela Mme Mokgacha dimpho tseo, mogolwane wa kompone, a lebagane le ditirelo tsa lekalana leo, a direla kwa Gaborone, Rre Matthew Sebina o ne a re go botlhokwa gore makalana le batho ka bongwe ka bongwe e re ba lemoga botlhoki golo gongwe ba tsiboge go thusa. A re e le ba WUC, ba ititeile dihuba go tswelela ka go tsenya letsogo mo go fetoleng seemo le go dira pharologanyo mo matshelong a setshaba se ba direlang mo go sone, a bolela fa e se lekgetho la ntlha koporase eo e dira tiro ya go nna jalo. Rre Sebina a supile fa ntlo eo, e neng e abelwa Mme Mokgacha e le ya boferabobedi go abiwa ke WUC lefatshe leno ka bophara, mme e le ya bobedi mo kgaolong ya Bokone Botlhaba. O ne a galaletsa badiri ba WUC, a re le fa ba tshwere phage ka mangana go leka go siela batho metsi, ka fa letlhakoreng le lengwe ga ba ke ba tlhoka go diragatsa maitlamo a bone a go abela setshaba sengwe. Ka jalo mogolwane o ne a ba gwetlha gore ba seka ba lapa pelo ka gope, mme ba tswelele le mosepele wa bone go ya go ileng. Fa a lebisa mafoko kwa go Mme Mokgacha, yo o dingwaga tse di masome a mararo le bobedi, e bile a na le bana ba le bararo, Rre Sebina o ne a mo tlhaba podi matseba go ikela tlhoko mo bangweng ba ba ka tlang ka maikaelelo a go mo tsietsa, ba leka go mo amoga ntlo eo. A re a itse fa mpho eo, e le boswa jwa bana jo a tshwanelwang ke go bo tlhokomela, a tlatsa ka go re Mme Mokgacha o tshwanetse a nna le dikakanyo dingwe tsa go leka go tlhabolola fa a bonang go tlhokafala teng. Go sale foo, Rre Sebina o ne a gwetlha setshaba go netefatsa gore ba somarela metsi ka dinako tsotlhe, ba itse fa e le one botshelo jwa motho. Mo tekodisong ya gagwe, modulasetilo wa komiti ya WUC e e itebagantseng le matshelo a batho mo Masunga, Rre Percy Aabobe o ne a supa boitumelo, a re e sale komiti ya gagwe e tsena mo ofising ba kgonne go diragatsa ditiro tsotlhe tse ba neng ba di akantse. O ne a bolela fa bonnyennyane jo bo abelwang makalana a WUC go tswa kwa ofising kgolo go diragatsa ditiro tsa bopelotlhomogi, komiti e tshwanelwa ke go dira gotlhe go leka go bo oketsa gore e kgone maitlamo a yone. Rre Aabobe a re ka jalo o itumelela go bo komiti ya gagwe e kgona seo ka ntlha ya tshwaragano le go dira ba eteleditse kwa pele mowa wa boithaopo. Fa a amogela dimpho tseo, Mme Mokgacha o ne a supa fa a itumeletse tiro e ntle e a e diretsweng ke ba WUC, a tshepisa fa a tlaa tlhokomela ntlo eo go feta selekanyo. Bangwe ba ba neng ba le teng kwa tholong eo ke kgosi ya Vukwi, Kgosi Kedibonye Mabutho, Mothusa molaodi wa kgaolo Rre Gotewang Senwedi le mokhanselara wa Masunga Rre Edward Gazageni, ba ba neng ba rolela hutshe tiro e ba WUC ba tsweletseng ka go e dira. society 9 Kgosi wa Mogome o tlhokafetse Mapodise a Palapye a tlhotlhomisa tiragalo emo go yone Kgosi Daniel Mosarwe wa Mogome mo kgaolong ya Legare a neng a tlhokafala morago ga go thulwa ke koloi kwa Radisele. A re moswi o diragaletswe ke kotsi eo gaufi le madirelo a Tshephang fa ane atswa go reka leokwane la koloi kwa Palapye ka nako ya bosupa mo maitseboeng. Kgosi Olebile o boletse gore Rre Mosarwe yo tlholegang kwa Mmadinare, o tlhomilwe kgosi ya Mogome ka ngwaga wa 2007 morago ga leso la ga Rre Modisaemang Keatimolwe. Kgosi Mosarwe yo tlogelang mohumagadi le bana, o tsene mo bogosing morago ga go tlogela tiro ka bogodi mo lephateng la temo-thuo le a berekileng mo go lone ka lobaka le le leele. Kgosi Olebile yo a neng a etetse ba lelwapa la ga Rre Mosarwe kwa Radisele le banni ba Mogome kwa Rre Mosarwe a neng a berekela teng ele kgosi, o tlhalositse fa morafe o dumelane go tshwara merapelo kwa kgotleng ya Mogome kgwedi eno ele lesome go laela Rre Mosarwe yo tla bolokelwang kwa Radisele kgwedi eno ele lesome le bobedi. crime_law_and_justice 1 Sekole sa Maun se agile ntlo Mothusa tona wa thuto le tlhabololo dikitso, Rre Moiseraele Goya, o ikuetse mo Batswaneng gore ba tswelele ka go neela ba bangwe seriti ka go ba neela tse ba di tlhokang gore le bone ba ikutlwe e le bontlha bongwe jwa setshaba. Mothusa tona o buile jalo fa a ne a bula semmuso ntlo ya di kamore tse tlhano kwa kgotleng ya Boseja kwa Maun, e e agilweng ke bana le barutabana gammogo le badiri ba bangwe ba sekole se segolwane sa Maun. A re go tsaya motho o mmaya kwa pele ga matshelo a gago ke selo se se botlhokwa thata mo botshelong jwa motho, a tswelela ka gore go thusa motho ke selo se se paletseng ba le bantsi. Rre Goya, yo gape e leng mopalamente wa Palapye, a re o tshwantshanya badiri bao le mafoko a buka e e boitshepo Baebele a a reng ‘ke ne ke tshwerwe ke tlala mme wa nnaya dijo, ke ne ke tshwerwe ke lenyora wa nnaya metsi, ke ne ke sa ikatega mme wa nnaya diaparo.’ Gape o ne a tlhalosa fa tota malebogo a gagwe a sa lekana, mme a re modimo ke ene a tlaa ba lebogang, a re go thusa motlhoki, mo-na-le-bogole kana motlholagadi ke bontlha bongwe jwa go direla Modimo. O ba rotloeditse go tswelela ka mowa o montle oo fa ba batla go bona ba gorogile sentle kwa ngwageng o o tlang wa 2016 le gone ba dire go le gontsi gore maduo a bone a bonale gongwe le gongwe. Rre Goya o tsweletse a re mokwadi mongwe wa maina a Maslow o kile a re go botlhokwa gore motho mo botshelong a nne le fa a tsenyang tlhogo teng, a ba a galaletsa le bone botsadi jwa lekawana le le neng le neelwa ntlo go bo ba sa tlhabiwa ke ditlhong go ya go itsese boeteledipele jwa sekole seo ka mathata a a ba diragalelang. A re go le gantsi bangwe ga ba bone dithuso ka ba tlhajwa ke ditlhong kana ba re batho ba tlaa reng, a tswelela ka gore go dira jalo ga gona maduo a motho a ka a robang. Fa a ntsha la gagwe, mogokgo wa sekole seo, Mme Selebatso Modiseemang a re e ne ya re ngwaga ono ka kgwedi ya Tlhakole e le lesome le motso, ba bona botsadi jwa lekawana le le dirang mophato wa botlhano ebong Kabo Seloka kwa sekoleng go ba itsise fa ntlo e Kabo le bomonnawe ba nnang mo go yone e jelwe ke molelo. A re ba ne ba ikopanya mme ba reka diaparo mme morago ka e le ba sekole sa badumedi, ba gopola fa go sa lekana. Mme morago ba ne ba tswa ka mogopolo wa go ba agela yone ntlo eo, mme o tlhalositse fa ba ne ba simolola go kopa dithuso mo dikomponeng dingwe tse di neng tsa reetsa selelo sa bone.O tsweletse a re ba ne ba dirisa babereki ba sekole seo go aga ntlo eo go fitlhelela e felela ba bo ba tsenya motlakase le metsi mo teng. O ne a tswelela a gakolola botsadi jo bongwe gore e se ka ya re fa ba na le mathata ba bo ba a ipeela ba sa kope dithuso, mme o tsweletse a solofela fa ba tlaa tswelela ba tlhokomela ntlo eo fela thata. society 9 Puso o lekola morafe Kgosikgolo ya Batlokwa, Kgosi Puso, a re o ipeetse seelo sa go tshwara diphuthego mo dikgotlaneng di le nne ngwaga le ngwaga, go lekodisa morafe wa gagwe ka seemo sa ditlhabololo, le go gakololana ka tse di ka dirwang. Kgosi o buile se, fa a ne a lekola morafe wa gagwe mo kgotleng ya Thethe kwa Tlokweng, ka Matlhatso, Mopitlo a tlhola malatsi a robabobedi. O supile gore fa dikgang di le teng mo bathong, ba ka di kgona fela ka go di tshwaraganela, ba di rarabolola. A re ba tlhomile lekgotla la Batlokwa Development Trust gore le ba tlhokomelele dithoto tse di akaretsang lebala la metshameko, tshilo, didiba le tse dingwe, tse ba dumelang gore fa ba ka di dirisa sentle, di ka ba tsisetsa letseno le le tla a felelang le fetola matshelo a bone. Kgosi Puso o boletse fa ba dirile sengwe le sengwe se se tlhokafang gore ba boelwe ke lebala la morafe, le le neng le kwadisitswe ka fa tlase ga khansele. O tlhalositse fa didiba tse di sa berekeng ba tlaa di tlhabolola gore ba rekisetse ba ba batlang go dirisa metsi a tsone. Kgosikgolo o boletse gape fa letsatsi la ngwao la Batlokwa, le tlaa tshwarwa kgwedi ya Phatwe e le lesome le borataro, a bo a supa fa a tla a direla bagodi botlhe ba ba Batlokwa dijo tsa motshegare ka kgwedi ya Lwetse, mme ba tshware gape kgaisano ya ditlhopha tsa kgwele ya dinao tsa Tlokweng ka yone kgwedi eo. Kgosi Puso o boletse fa keletso ya gagwe e le go bona Batlokwa ba na le setlhopha se le sengwe sa kgwele ya dinao, se se tshamekang mo liking e tona. Mo go tse dingwe, o kaile fa a tshwenngwa ke leruo le le senyetsang balemi temo, a supa fa puso e dirisa madimadi go lemela Batswana gore ba kgone go itirela dijo. A re matshwenyego a mangwe a matona ke a go rekisiwa ga masimo le go fetolela ditsha tsa bonno mo maineng a sele, a supa fa Batlokwa ba ba dirang jaana, e le bone gape ba ba oketsang palo ya ba ba iseng ba ke ba fiwe lefatshe. Kgosi o supile gape fa ba tshwenngwa ke dikereke tse di tsenelang mo malwapeng, a bo a bolela fa ba tla a tsaya dikgato tsa semolao go busetsa seemo mo taolong. O boletse fa dingwe tsa dikereke tseo, di tshuba dikerese mo nageng di bo di tlogela di tuka, bangwe ba kwala difapaano mo ditseleng fa bangwe bone ba tlogela diaparo tsa ka kwa teng mo nageng. E rile a latlhela la gagwe, mokhanselara wa kgaolo ya Tlokweng South West, Mme Norah Nkwe, a bolela fa a tshwenngwa ke seemo sa kokelo ya bone, a tlhalosa fa e na le ngaka e le nngwe fela mme ebile a imelwa ke tiro ka a patelesega go bona balwetse ba feta makgolo a mabedi ka letsatsi; mme ka tshwanelo ngaka e tshwanetse go bona balwetse ba ba sa feteng lekgolo. Mme Nkwe a re seemo se, se dira gore seemo sa ditirelo tsa botsogo se ye kwa tlase, a bo a supa fa ka dinako tse dingwe ba tlhoka koloi ya go isa balwetse kwa sepateleng sa Princess Marina. Fela jaaka kgosi, mme Nkwe o supile fa a tshwaenngwa ke seemo se ba khansele ya toropo ba bolelang fa ba tla a gapela barui leruo le le tsenang mo toropong le go ba lefisa P5000.00, a supa fa go tshwanetse ga dirwa morero o o lolameng le morafe. BOKHUTLO politics 7 Ba Tshokwe le Tobane ba lela ka bogodu jwa leruo Banni ba Tobane le Tshokwe mo kgaolong ya Mmadinare ba lela ka bogodu jwa leruo jo bo tsereng phekelo e sele. Se se builwe ke Kgosi Nametsegang Motlhasedi kwa Kgotleng ya Tobane beke e e fitileng fa a ne a amogela mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila. A re motse wa Tobane o gola ka bofefo mme ga o gola jaana borukhutlhi le bone bo a oketsega mme se se serotloediwa ke bo maipaafela. Kgosi Motlhasedi o tlhalositse fa Tobane a tlhoka bodiredi jwa sepodise bo bo lekaneng, a re le ha go ntse jalo bogodu jwa go thuba matlo le bone bo ile magoletsa a re badirelapuso ke bone ba ba kokonelwang ke go thubelwa matlo le go tshosediwa matshelo. Mo go tsedingwe Kgosi o ledile ka tiego ya go lemela batho a re dipolantere di a tlhaela a tlhalosa gore bangwe ba ba lemi ba sala ba lemolotse ka kgwedi ya Sedimontlhole ngwaga o o fitileng mme le jaana ba ise ba jale. E ntse e le kwaTobane banni ba supa matshwenyego ka tiriso ya noka ya Motloutse ba re ga e dirisiwe sentle ba re leruo la bone le felela mo go yone mme se se dirwa ke bana ba motes ba kopane le baagisane. Banni ba tlhalositse fa bana ba motes waTobane e le bone ba gakatsang bogodu ka go tsaa borre ba letso la Zimbabwe go badira banna ka jalo se dire gore bogodu botsee phekelo e sele. Banni gape ba tshwenyegile ka diteraka tse di tsayang motlhaba mo nokeng ya Motloutse ba re se se dira gore motlhaba o o neng o ka tshwara metsi o fele mme metsi a bo a tlhoka se a ka se tshwarang. Ba tlhalositse gore matshelo a bone a mo nokeng ya motloutse ka leruo la bone le nwa metsimo go yone. Kwa phuthegong ya kgotla kwa Tshokwe, banni ba supile matshwenyego ka tshenyo ya ditlou le gore banna fela ba kokobetse ka di kanna tsa ba tsenelela le momalwapeng. Mo go tse dingwe ba re bogodu ja ditonki jo bo dirwang ke baagisane go tswa kwa lefatsheng la Zimbabwe ga bo babontshe boroko, se se rurufaditswe ke Superitendent Detective Assistant Makgotla Leeme wa sepodise sa Botshabelo mo Selebi Phikwe. Detective Leeme o tlhalositse fa ba ne ba tshwara Rre mongwe wa letso la Zimbabwe ka ditonki di le pedi mme e rile bantse ba tlhotlhomisa ba ne ba fitlhela ditonki di le masome a mabedi ka kwa lefatsheng la Zimbabwe mme e le tse di tswang mo lefatsheng la Botswana.A tlhalosa fa basantse ba le mo ditlhotlhomisong mme morago ditonki tseo di ta buse tswa beng ba tsone. Banni baTshokwe le Tobane ba ledile ka molapo wa Molabe o o kgaoganyang metse e mebedi eo,ba re fa dipula di nele ga go tsamaege bogolojang ka banni ba Tshokwe batsaa ditlamelo kwa motseng waTobane. Ba kopa gore o tsenngwe borogo, gape ba ne ba kopa mopalamente wa bone gore tsela nne e gopiwa. Erile a ba kgwa dikgaba, mopalamente Rre Mzwinla a tlhalosa gore keletso ya gagwe ke gore molapowa Molabe o tsenngwe mo lenaneong la dithabololo le lelatelang la NDP11, a tlhalosa gore o tlhaloganya thata ka molapo wa Molabe ka o ne a bua ka one kwa palamenteng. Mo go tse dingwe o ne a tlhalosetsa banni ka molao kakanyetso o o amang kwadiso ya dikereke,a re kakanyo ke gore fa go kwadiswa dikereke baeteledipele ba tsone ba tshwanetse gore e bo e le Batswana se,setlamorago ga go lemoga fa bontsi ba dikereke tse di mo Botswana baeteledi pele ba tsone e le ba mafatshe a sele mme e re ba tla kakwano babo batla ka ditsamaiso le setho sa mafatshe a bone mme di sa dumalane le tsa Botswana. Mopalamente o tlhalositse fa molao kakanyetso e le gore kereke e nne le lekgotla le le tla tsamaisang dikereke le le tlhomilweng ke puso le na le dithata tsa go ka kgalema,go emisa le go tseela dikgatho dikereke tse di sa saleng tsamaiso morago. Mo go tse dingwe o ne a tlhalosetsa banni fa e tlare ka kgwedi ya Mopitlo lekgetho la (VAT) le bo le ntshitswe mo dijong tse di akaretsang mashi,boupi jwa borotho le tse dingwe. crime_law_and_justice 1 Bakanoki ba batlisisa ka sethunya lick to see more pictures Morago ga go bala polelo ka sethunya sa mmadihôlo mo pampiring ya Dikgang ya DailyNews, bakanoki ba tsa temo thuo ba ne ba tsibogela go dira dipatlisiso ka sethunya seo se barui ba bolelang fa sena le dikotla mo leruong. Fa a bua mo potsolotsong ka Matlhatso, Mogolwane wa dipatlisiso tsa temo thuo mo Kgalagadi Rre Bornwell Mabechu o tlhalositse fa a badile ka botlhokwa jwa sethunya seo mo motsweding wa dikgang wa DailyNews mme a bona go tshwanela go tsibogela go dira ditshekatsheko ka sethunya se. O buile jalo fa ba BOPA ba ne ba ile go supegetsa ba temo thuo sethunya seo ko morakeng wa Kuwe gaufi le Tsabong. Rre Mabechu a re se se ba ngokileng go dira dipatlisiso ka sethunya sa mmadiholo ke gore dipudi tse di fulang setlhatshana seo di gola ka pela mme ebile di nna le mashi a mantsi mo go rayang gore le dipotsane tsa tsone di a nonofa. Gape a re ba kgatlhilwe ke gore mashi a dipudi a nna le tatso. A re ka ba ne ba ise ba nne le kitso ka setlhare seo ba ne ba kgatlhegela go kopa mokwadi wa BOPA wa polelo eo go ba isa ko setlhatshaneng seo gore ba simolole dipatlisiso. A re go botlhokwa gore ba tlhaloganye setlhare seo gore ke sa mofuta mang mme ebile se lebega jang gore ba se tseye ba dire dipatlisiso go bona gore se ka solegela lefatshe leno molemo jang. Rre Mabechu a re setlhatshana seo se a makatsa ka gore ka paka ya mariga ditlhatshana tse dingwe di a sha mme sone se nna se le setala ka jalo go botlhokwa gore se elwe tlhoko. O tlhalositse gore mo nakong ya gompieno ba tsa temo thuo ga ba na kitso e e kalo ka setlhatshana seo mme ba tlaa golagana le baitseanape botlhe ba ba maleba jaaka ba tsa phulo, dijo tsa leruo le bomaitseanape ba tsa boranyane ba masimo (Range and Pasture, Animal Nutrition, and Agronomy) go bona gore ba ka berekisanya jang go ya pele ka setlhatshana se barui ba kgaolo ya Kgalagadi ba se tlotlomatsang thata. A re fa a se lebile ka matlho o belaela setlhatshana seo se wela ka fa tlase ga mofuta wa ditlhatshana wa Alster species mme ba tlaa leka go rurifatsa gore sone ke sefe mo go tsone. A re ditlhatshana tsa mofuta o gantsi di farologana ka mmala wa sethunya ka tse dingwe di le mmala wa loapi fat se dingwe di le botala jo bo gateletseng (purple). O tsweletse ka go tlhalosa gore bakanoki ba tsa temo thuo ba amogela go batlisisa tsotlhe tse di molemo tse di amang temo thuo ka gore matlotlo a dikitso tsa bagologolo (Indigenous Knowledge) a botlhokwa ka e le matlhagolela tsela a dipatlisiso. A re dikitso tsa barui ka sethunya sa mmadiholo di supa fa ba di amule mo bagologolong ka jalo go le mosola thata gore ba dire dipatlisiso go bona gore sethunya se se na le dikotla dife le gone go bona gore se ka ntsifadiwa jang. Mogolwane wa dipatlisiso tsa temo thuo mo Kgalagadi o o tsweletse ka go tlhalosa gore letsholo le a simologa gore ba rwale ditlhako ba sekaseke setlhatshana seo. A re gape dipatlisiso tseo di tlaa thusa gore barui ba ka dirisa sethunya seo jang ka nako ya leuba a tlhalosa jalo gore balemi barui ba na le dikitso ka dimela tse di ka dirisiwang go lepalepana le seemo sa leuba ka jalo go botlhokwa go batlisisa le go somarela dikitso tseo. Ka jalo lephata la temo thuo le tlaa batlisisa gore setlhatshana seo se ka somarelwa jang go itsa gore se nyelele mme ebile ba tlaa tsaya peo ya teng go bona gore se ka ntsifadiwa jang. A re kgaolo ya Kgalagadi e tshabelelwa ke leuba segolo bogolo ka e le mo sekakeng. A re gore lefatshe le fitlhelele maikaelelo a ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a go nna tlhabologo ya maemo a ntlha ya 4th Industrial Revolution go botlhokwa go tsibogela dipatlisiso le gone go somarela matlotlo a ditsa tlholego (Indigenous species ) ka di tswa goo lowe di thusa. A re setshedi sengwe le sengwe se na le karolo e se e tshamekang go tshegetsa botshelo mo tlholegong. A re mo dinakong tsa segompieno tsa go thuthafala ga loapi go botlhokwa go somarela ditsa tlholego gore loapi le nne jaaka mmopi a le bopile le go bababalela matshelo ka jalo go botlhokwa gore dipatlisiso di dirwe gore ditlhare di somarelwe gore di seka tsa nyelela. Kwa bokhutlong moitseanape yoo, o lebogetse motswedi wa dikgang wa BOPA go kwala ka setlhare seo, selo se a reng se ba tlhabile podi matseba ka jalo ba tlaa tsaya setlhare seo le matute a sone ba romela ko Sebele go bona gore sena le dikotla dife. society 9 Batsadi tshoso e rweleng Mothusa mogokgo wa sekolo se segolwane sa Linchwe II, Mme Oteng Phatshwane o kopile batsadi go nna ba iponatsa mo sekolong go lekola gore bana ba dira jang mo dithutong tsa bone. Mme Phatshwane o buile seo kwa phuthegong ya batsadi, barutabana le bana ba ba dirang mophato wa boraro gone kwa sekolong seo bosheng. Mothusa mogokgo a re moono wa phuthego eo ke go tla go bona gore ba rotloetsa jang bana ba mophato oo ba a tlhalositseng fa ba saletswe ke dikgwedi di le tharo gore ba kwale ditlhatlhobo tsa bone tsa makgaolakgang. O tsweletse a re gore ngwana a dire sentle mo dithutong tsa gagwe o tlhokana le kemo nokeng ya batsadi le barutabana mme o ne a kopa batsadi go tshwaraganela tiro ya bana le barutabana. O ne a gape a supa fa batsadi ba letlelelwa go tla sekolong go tla go bona gore ngwana o dira jang a tlhalosa fa kgwedi le kgwedi bana ba kwala ditlhatlhobo mme a tlhalosa fa batsadi ba gololesegile go tla go bona maduo ao. Mo go tse dingwe o ne a supa fa sekolo sa bone se ntse se dira sentle fela thata mo ditlhatlhobong dingwaga tse tharo tse di fetileng a tlatsa ka gore se ntse se tsaya maduo a ntlha mo dikoleng tsotlhe tse di mo kgaolong ya Kgatleng. Fa a tswa la gagwe mongwe wa barutabana ba sekolo seo yo o rutang dithuto tsa bokaedi le bogakolodi Mme Salo Masisi-Moshapa o ne a kopa batsadi go nna ditsala le bana ba bone. A re metlha ga se ya maloba e mo go yone motsadi a ne a sa bue le ngwana dikgang dingwe le dingwe a supa fa bana ka bontsi ba tlogela sekolo ka ntlha ya boimana e le kgang ya go tlhoka go bua le bana. Mme Masisi- Moshapa o ne gape a tlhalosa fa bana ba tlhokana le go fiwa lorato nako tsotlhe gore le bone ba lemoge gore ba na le boleng selo se a tlhalositseng fa bontsi jwa batsadi ba sa se tsee tsia. O tsweletse a re bana ga ba a abelwa ka go tshwana mo dithutong a supa fa go na le bana ba ba sa kgoneng mo go tsa thuto mme ba na le bokgoni mo metshamekong mme o ne a kopa batsadi go rotloetsa bana ba go nna jalo go na le go ba kgoba ka mafoko fa ba sa dira sentle mo dithutong . O ne gape a kopa batsadi go nna ba ba lekodisa ka botsogo jwa bana a tlhalosa fa go le gantsi batsadi ba tlisa bana mo sekolong mme ba sa lekodise barutabana fa ngwana a tshwenngwa ke bolwetsi bongwe. Fa ba akgela batsadi ba ne ba leboga barutabana ka phuthego eo ba supa fa ba tla tshwaraganela tiro ya bana le bogogi jwa sekolo seo. Le fa go ntse jalo ba ne ba supa matshwenyego ka bokopano jwa barutabana jo ba supileng fa bo tsaya nako e telele ba tlhalosa fa mo nakong eo bana ba a bo ba sena yo o ba rutang. E rile a latlhela la gagwe modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana Rre Alfred Koitsiwe o ne a bua a sa kgwe mathe ka batsdai bangwe ba a kaileng fa ba rekisetsa bana ba dikolo ditagi mme o ne a kopa bao ba ba dirang jalo go emisa mokgwa oo. Mo go tse dingwe o ne a supa fa bana bangwe ba sekolo seo ba inaakantse le go dira mokgwa o o maswe wa go reka senotsididi tsa Twizza sa motswako wa ginger ba bo ba se tlhakanya le dipilisi tsa grandpa go e tagisa. Modulasetilo o tlhalositse fa bana bao ba tlhokana le go kgalemelelwa tiro e a kaileng fa e ka ba senyetsang bokamoso. O ne gape a kopa batsadi go emisa mokgwa wa go rekela bana dilwana tse diturang tse di akaretsang megala ya letheka a tlhalosa fa seo e le sone se se tlisang botlhoka tsebe jwa bana. Bokhutlo education 4 SELEBO e itlama go thusa ba-na–le-bogole Ba kgaolwana ya SELEBO mo Selebi Phikwe ba ne ba abela dikole tsa Joseph Anderson, St Peters go tswa Mmadinare le sa Lepokole dimpho di akaretsa didirisiwa tsa go roka,go tlhapa le tsa thuto. Go ya ka Mme Evelyn Thomas, ba ne ba bona go le botlhokwa go abela dikolo tseo ka di na le bana ba ba nang le bogole ka go supafetse ba tlhoka didirisiwa tse di ka ba kgontshang gore ba kgone go ithuta sentle. Mme Thomas a re ba aba jaana ba lebile matshego mangwe a tebelopele jaaka la tshaba e e rutegileng, tshaba e e bopaganeng e bile e le kutlwelobotlhoko. Mme Thomas o tlhalositse fa go ne go se motlhofo go bo ba fitlhile fa ba leng teng, a re dimpho tse ba di abelang bana di ka tswa di le dinnye ka tebo ya matlho mme tiro ya tsone e le kwa godimo. O tsweletse a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go abela dikole tsotlhe tse di mo kgaolong ya SELEBO mme ba itebagantse le go aga bana gore ba gole ba na le lorato, le go itse gore go abela motho yo mongwe go botlhoka. Mme Thomas a re didirisiwa tsa go tshameka tse di abetsweng bana ba sekole sa Lepokole di tlaa ba thusa go ithuta le go ba bula ditlhaloganyo. Modulasetilo wa komiti ya barutabana le batsadi kwa sekoleng sa Lapologang Rre Segale Mogale o tlhalositse fa e se lantlha ba SELEBO ba abela bana dimpho mme ba dira jalo ka madi a a tswang mo dipateng tsa bone. Go ya ka Rre Mogale maiteko a ba SELEBO a tlhoka go iteelwa legofi ka go lebega ba gatetse pele ka maikaelelo a bone. O ne a kgothatsa batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana ba bone ka puso e ka se kgone e le nosi. Rre Segale o kgothaditse bana le barutabana ba ba abetsweng dimpho go di tlhokomela gore di tle di ba tswele mosola. Kwa bokhutlong Rre Mogale a re tsholofelo ke gore dikole tse di abetsweng didirisiwa tseo di ntshe maduo a a bonalang mo nakong e e tlang. Bokhutlo education 4 Ba rapelela tsela ya Kopong/Metsimotlhabe Batswana ba le 444 ba latlhegetswe ke matshelo ka ngwaga wa 2017 ntateng ya dikotsi tsa tsela. Mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane Rre Vincent Seretse o buile jaana bosheng kwa thapedisong ya tsela ya Kopong/ Metsimotlhabe kwa Kopong, a tlhalosa fa tsela eo e tlhokana le thapediso. “Mo lokwalong lwa ga Timony go kwadilwe gatwe, ‘a re rapeleng mme re rapeleleng ba bangwe ka jalo re tlaa bo re ba segofatsa,’ ga bua Rre Seretse. O tlhalositse fa puso e tshwenyegile ka fa banana ba amegang mo dikotsing tsa tsela ka teng ntswa ele bone go solofetsweng gore ba tlhabolole itsholelo ya lefatshe le, e bile gape e le bone baeteledipele ba kamoso. Mopalamente Seretse o gwetlhile banni ba Kopong go nna seopo sengwe go lwantsha dikotsi tsa tsela a bo a leboga dikereke tsa Kopong go phuthega ba le mmogo go tlisa pharologanyo mo matshelong a batho Sergeant David Bolaane go tswa kwa sepodiseng sa Mogoditshane o tlhalositse fa ba setse ba kwadisitse dikotsi tsa tsela di le thataro mo kgweding e, mme di ne di diragalela mo tseleng ya Kopong/Metsibotlhabe. Sergeant Bolaane o rotloeditse bakgweetsi go obamela matshwao a tsela, a bolela fa tsela eo e le sekgele se sekhutshwane sa dikhilomithara tse di masome mararo mme gape e na le dikoloi tse dintsi tse di e dirisang. “Matshwao a tsela a mo ditseleng, mme go maswabi ka gore bakgweetsi ga ba a dirise,” a re seo se na le seabe mo kgolong ya dikotsi tsa tsela. O gwetlhile bakgweetsi go nna kelotlhoko ka gore tsela eo e dirisiwa ke bana thata mme go nna kelelelo go ka thusa go hema dikotsi tsa tsela tse di amang bana thata. Rre Tlhabano Mmusi go tswa mo lephateng la Ipabalelo Tseleng kwa MVA Fund o buile fa ba tsamaya ba gasa molaetsa wa ipabalelo tseleng go ruta sechaba go hema dikotsi tsa tsela. A re ba latlhegetswe ke batsamaya ka dinao ba le bantsi ngogola ka ntlha ya dikotsi tsa tsela. Rre Mmusi o boletse fa ba dirisa P200 million ka ngwaga go thusa ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela ka jalo a rotloetsa sechaba go ipabalela mo dikotsing ka nako tsotlhe. A re ba na le dithuso tse ba di fang ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela, a tlatsa fa ba thusa mo dithulaganyong tsa phitlho ka madi a a kana ka P7 500, mme ba thusa gape le mo go tsa bongaka. “Ipabalelo tseleng e simolola kwa lapeng, re na le dikgang tse batsadi ba ba thulang bana kwa malwapeng ba sa ba lemoge fa ba le ka fa morago ga koloi ka jalo a re nneng kelotlhoko ka dinako tsotlhe. Ke rotloetsa batsamaya ka dinao go tsamaya mo lebogong la moja fa ba dirisa tsela e bile gape ba tlole tsela mo makgabaganyong a a supilweng kana dikoloi di sena go feta,” ga tshwaela Rre Mmusi. O gwetlhile setshaba go begela mapodisi kana ba ba lebaneng fa ba lemoga fa mokgweetsi mongwe a sa kgweetse sentle. “Rurifatsa gore mokgweetsi wa gago o itekanetse ka dinako tsotlhe fa a kgweetsa, ka jalo re ka lwantsha dikotsi tsa tsela rotlhe,” a tshwaela. Mothusa modulasetilo wa lekgotla la baruti la Kopong Rre Meshack Tshekiso o tlhalositse fa ba bone go le mosola go dira modiro o, ka ba lemogile fa matshelo a batho a felelela mo tseleng eo. A re dithapediso tse di tlaa nna ngwaga le ngwaga, a tlatsa ka go re banni ba Kopong ke morafe o o dumelang mo thapelong. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Go itshidila go ka hema malwetse Mogolwane kwa lephateng la National Food Technology Research Centre (NFTRC), Mme Boitumelo Motswagole o rotloeditse batho go itshidila mmele ka go le botlhokwa go hema malwetse a a sa tshelanweng. Fa a buisa bagolo kwa DML Wellness Centre kwa Kanye bosheng, a re malwetse a a sa tshelanweng a diphatsa ka fa a tsena motho ga a ke a a lemoga go sale nako. Mme Motswagole a re batho ba nne ba itlhatlhobela malwetse ka go farologana morago ga dikgwedi tse tharo dingwe le dingwe gore ba bongaka ba ba tlamele ka pele fa ba ka tshwarwa ka malwetse. O boletse fa puso e tlhatlhobela malwetse a a faroganeng mahala mme batho ba sa dirise sebaka seo. O ne a tlhalosa fa NFTRC e na le ditlamelo di tshwana le go tlhatlhobela sukiri, madi a matona, selekanyo sa mafura mo mmeleng le tse dingwe. A re mafura a mantsi mo mmeleng a borai mo botsogong jwa motho ka a baka bolwetse jwa madi a matona. A re mafura a ipopa mo ditshikeng mme se se bake gore madi a seka a tsamaya sentle mo mmeleng. Mme Motswagole o ne a tlhalosa fa mmele o motona o gantsi o bakwang ke gore mafura a a bo a le kwa godimo o le diphatsa mo botsogong mme a gakolola gore fa mafura a setse a le mantsi mo mmeleng a thujwa ka go itshidila. A re go robala o kgotshe thata ga go a siama, ka jalo a rotloeditsa gore batho ba seka ba ne ba robala ba timpetse ka gore matlhagatlhaga otlhe a ba a tsereng mo dijong mmele o a fetola go nna mafura. A re fa motho a sena go ja maitseboa, o tshwanetse go nna lobakanyana pele ga a robala gore matlhagatlhaga a a a tsereng mo dijong a fokotsege ka bosigo mmele o sa tlhokane le matlhagatlhaga ka o abo o sa bereke sepe. O ne a tlhalosa gape fa go ja sentle go le botlhokwa thata mo kgolong ya mmele, ka jalo batho ba je dijo tse di agang le di sireletsang mmele, ga mmogo le tse di fang maatla. Mme Motswagole o rotloeditse bagolo gore ba seka ba ne ba budusa morogo thata ka go dira jalo go bolaya dikotla. O ne a ba rotloetsa gape gore fa ba kgona go oja o le motala ba o oje o sa apewa ka o abo o santse o na le dikotla. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa DML Wellness Centre, Rre Daniel Letshelaphala, a re malwetse a a sa tshelanweng a apesitse Botswana kobo ka letshoba, ka jalo a kopa botsadi go itshireletsa ka go itshidila mme le go ja dijo tse di dinang le dikotla. BOKHUTLO health 6 Go tlhoka mokwaledi go ba beile ka fa mosing Go tlhoka mokwaledi (Court clerk) kwa kgotleng ya motse Mabuo mo kgaolong ya Serowe go beile banni ka fa mosing. Matshwenyego a a supilwe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse o, Rre Golathwamang Orakanye mo puthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Tona wa merero le tirisanyo ya mafatshe a sele, Dr Pelonomi Venson-Moitoi. Rre Orakanye a re e setse e le ngwaga seemo se ntse sele teng, a re se se dira gore e nne e kare Kgosi ga a bereke. Seemo se a re se pateletsa gore kgosi a romele batho ba ba batlang thuso kwa dikgosaneng tsa tetanyo se a reng se imedisa dikgosana tseo tiro. “Dikgosana tse di imilwa ke tiro,ka jalo di kopa go atswiwa,” Rre Orakanye a tlhalosetsa tona. O ne gape a kopa tona gore ba batla phatalatso ya metsi mo motseng, a re banni bangwe ba gelela metsi kgakala a re dipompo tsa metsi tsa morafhe dia thaela. O ne gape a lela ka go kgala ga metsi kgapetsakgapetsa are seemo se segakatswa ke go tlhoka pompara mo motseng. Modulasetilo one a kopa puso gore e sekaseke go oketsa matlo a baithuti ba ba nang kwa sekolong se se golwane sa Mothamo ka bana ba sokola bogolo jang dipula dina le mariga. Mme Beauty Rakole o ne are bomme ba ba itsholofetseng ba a sokola ka gore ba sidilwa kwa motseng wa Moiyabana. A re bomme ba ba mo seemong se fa ba ka tlhaselwa ke batho ga ba kake ba kgona go iphemela le fa ele go sia tota. Banni bane ba supa fa basa akole mananeo a nyeletso lehuma ka ba se na ditsha, ba ne ba tlatsa ka gore go tlhoka Mmaboipego go gakatsa seemo. Dr Venson-Moitoi one a tlhalosetsa banni gore puso e dirile thulaganyo gore batho ba merafhe wa Basarwa ba thusiwe ka mananeo a nyeletso lehuma gongwe le gongwe kwa ba leng teng. A re go thusiwa Basarwa ba ba gateletswemg ke lehuma. Tona o ne a bolelela banni gore o tla tswelela ka go supa letlhakore la Botswana mo dithuthegong tsa mafatshe-fatshe ka katlholelo leso go fithelela Batswana ba re molao o o o fetolwe. A re puso e dumela gore molao o siame ka polao ya motho ele molato o motona ebile o le masisi. BOKHUTLO society 9 Dipolaano di a gola kwa Takatokwane Mapodisi a Takatokwane ga a jesiwe di welang ke go runya ga dikgang tsa dipolaano tse go belaelwang ele tsa marato tse mo go tsone go bolailweng basadi ba le babedi ga gobala bale babedi magareng ga malatsi a keresemose le ngwaga o mosha. Mogolwane wa mapodisi a Takatokwane Superintendent Ocean Maraganyane a re mosadi wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano o bolailwe ke mokapelo wa gagwe malatsi a mabedi morago ga botsalo jwa morena kwa masimong a Sekokwane ka go tlhabiwa ka sengwe se se bogale mo kgokgontshong mo ponong ya bana ba bone ba babedi pele a ruthaka mmagwe moswi ka molamu mo tlhogong a bo a mo roba letsogo. Go tlhalosiwa fa mmelaelwa wa dingwaga tse di masome mararo le bone e rile morago a nwa botlhole ka maiteko a go ipolaya mme ba losika ba mo ragosetsa kwa kokelwaneng ya Takatokwane kwa a fetileng a fudusetswa kwa sepateleng sa Scottish Livingstone mme go tlhalosiwa a setse a ntshitswe mo sepateleng. Rre Maraganyane a re le ntswa go ise go simololwe tshidilo maikutlo mo baneng ba moswi mme gone ba lephata la boipelego la khansele potlana ya Letlhakeng ba rulaganyeditswe bana bao go e simolola mo bogaufing. Mongwe wa ba losika Mme Letty Lebaka a re e ne yare morago ga go utlwalela ka tiragalo eo a ragogela kwa masimong a Sekokwane kwa a fitlhetseng moswi a tlhokafetse a kgaotswe kgokgotsho go lebega bana ba gagwe ba lekile go mo tlhapisa madi mo sefatlhegong ka tsholofelo ya gore a ka thanya. Tiragalo e nngwe ke e mo go yone Superintendent Maraganyane a tlhalosang fa mosetsanyana wa dingwaga tse di masome mabedi le motso a bolailweng ke mokapelo wa gagwe letsatsi pele ga ngwaga o mosha ka go mo tsatsanka ka sengwe se se bogale mo mmeleng gone kwa Takatokwane. Malomaagwe moswi, Rre Kabo Hisang a re tiragalo eo e tlile morago ga gore mmelaelwa a nne le dipelaelo tsa gore moswi oa mo tsietsa a sena go mo fitlhela a robetse le monna yo mongwe mo ntlong mo maphakeleng a matona morago ga maitisong. O tlhalositse gore o ne a lebile ka poifo jaaka motlogolo wa gagwe a ne a tsatsankiwa ke mmelaelwa ka sengwe se se neng se lebega jaaka thipa pele a kopa thuso mo baagisanying. Batho botlhe ba ba amegang mo ditiragalong tseo go tlhalosiwa ele ba kgotla ya Motlhware gone kwa Takatokwane. Kgosi ya Takatokwane, Rre Makgabane Tsiane o supile fa go nowa ga majalwa phetelela go tlhotlheletsa boitaolo jwa bana ba ba tlhaelang kgalemo ya botsadi gammogo le marekisetso a majalwa a sa obameleng tsamaiso ya dikgwebo. Kgosi a re go a gakgamatsa gore dingwe tsa ditiragalo tseo go bo go tlhalosega di diragala go duwa kwa maitisong a dino tsa bojalwa. Modulasetilo wa khansele ya kgaolo potlana ya Letlhakeng e bile ele mokhanselara wa kgaolo ya Takatokwane/Dutlwe, Rre Tlotlo Batlhophi le ene o nyaditse boikarabelo jwa botsadi jo a reng bo lolea fela thata. Mongwe wa batsadi, Rre Titus Martius o kgadile mokgwa wa go tlhakanya banna o a reng o atile mme o rotloediwa ke batsadi bangwe go lebilwe go ja ka jalo go phuaganngwe ba ba sa tlholeng ba tswa dipe. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Mopalamente o rotloetsa batsadi go emela thuto ya bana ka dinao Mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraela Goya o kopile batsadi ba Palapye go emela thuto ya bana ba bone ka dinao. A re ke yone e ka thusang lefatshe leno go goroga kwa phadisanong ya mafatshe. O buile jaana mo phuthegong e a neng a e bileditse batsadi go ya go bua ka maduo a dikole tsa Palapye kwa kgotleng ya Palapye. A re thuto ke yone e dirang gore lefatshe le tlhabologe ka gore tshaba e rutege. A re tshaba e e rutegileng e nna le dikakanyo tse di tseneletseng, ka jalo go bo go kgona gore lefatshe le nne le ditlhabololo tse di nonofileng e bile di kgatlha. Rre Goya o ne a lemotsha morafe gore bana ba lefatshe leno gore ba kgone go tsenelela dikgaisano tsa mafatshefatshe, ba tshwanetse go ithuta thata bogolo jang mo thutong ya maranyane. A re maikemisetso a phuthego ke go tsholeletsa maduo a dikole tsa Palapye kwa godimo, go tokafatsa seemo se seleng teng gompieno sa thuto, gore bana ba motse ba tle ba bone diphatlha ka bontsi kwa BUIST. Mopalamente Goya a re tsholofelo ke gore dingwe diemo tsa letlhoko la didirisiwa di tlaa tokafadiwa mo malatsing a makhutshwane, mme a fa sekai ka ditilo a re di tlaa goroga mo lobakeng lo lo khutshwane. O ne a leboga ba komiti ya Palapye First Development Foundation, ba maloko a yone e leng batho ba Palapye ba ba tlogetseng tiro ka bogodi, go bo ba supile gore ba tlaa ithaopela go thusa go tokafatsa thuto ka fa ba ka kgonang ka teng le go nna ba etela dikole. Mothusa modulasetilo wa komiti, Rre Lebofanye Kenosi a re mokgatlho wa bone o itebagantse le go lwantsha mathata le ditlhabololo tsa Palapye otlhe ka kakaretso le go itshwaraganya le barutabana mo thutong. Modulasetilo wa khansele-potlana ya Palapye, Rre Lesedi Phuthego a re batsadi ga ba duele dikole, a bolela fa dipalo di supa gore go duela fela ba le masome mabedi mo lekgolong, mme bontsi ga bo duele dikole. E rile a bua ka go tlhoka tsebe ga bana a re ene o kopa gore mokgatlho wa Scripture Union o busediwe mo dikoleng, ka gore o ne o thusa thata mo go ageng bana. education 4 Morupisi o rolela ba Moroka didirisiwa Mokwaledi mogolo wa ga Tautona, Rre Carter Morupisi a re go a itumedisa go bona Batswana ba tsibogela mowa wa go aba le wa boithaopo. Rre Morupisi, yo e leng morotloetsi wa sekole se sebotlana sa Moroka kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, o buile jalo a rolela morafe wa Moroka didirisiwa tsa kago le dithuso tse dingwe ka go farologana, tse di tlaa dirisiwang mo kagong e e tsweletseng ya matlo a boroko jwa baithuti ba ba nang le bogole ba sekole seo sa Moroka. Didirisiwa tseo, tse di neng di tswa mo makalaneng le dikhamphani ka go farologana go araba pitso le go tswa Rre Morupisi thuso tebang le kago ya matlo ao, di ne tsa rolelwa morafe mo kgotleng kgolo ya Moroka kgwedi eno e le masome mabedi le boraro. E re ka jaana kago eo, e e neng ya simolodisiwa ngongola ka Phukwi, e setse e le mo legatong la go rulelwa. Rre Morupisi o ne a tlhalosa fa a itumedisiwa ke go bo a ne a tsile go rola dingwe tse di tlaa dirisiwang go feleletsa tiro eo. Mokwaledi mogolo wa ga Tautona a re ka fa tiro eo e tsweletseng ka teng, go mo fa tsholofelo ya gore e tlaa wediwa ntle le makgwere ape ka jaana kago eo, e go solofetsweng e tlaa dirisa P1.5 million, e setse e dirisitse P1.3 million, a supa fa go le pele a ne a ipotsa gore a tiro eo e tlaa kgonagala mme tsotlhe di feletse di tsamaya ka fa a neng a eletsa ka teng ka ntlha ya thuso ya Batswana. Rre Morupisi o boletse fa puso ya lefatshe leno e le pelonamagadi, bogolo jang fa go tla mo ditirong tse di tshwanang le tse, a bo a leboga botlhe ba ba neng ba mo thologa mokgosi tebang le kago ya matlo ao. Go ntse go le foo, Rre Morupisi o ne a supa botlhokwa jwa gore bana ba rotloediwe mo ditalenteng tse ba nang le tsone, ka seo se ka ba thusa gore mo isagong ba itshetse ka tsone. Dingwe tsa dikhamphani tse go neng ga bolelwa di nnile le seabe mo kagong eo ke tsa WHARIC construction, UNISPAN, Building Materials Supplies, Steel Junction, Mascom, Premium Steel Hardware le BOPEU gareng ga tse dingwe. Ba Zwenshambe le Senyawe brigades le bone ba ne ba lebogelwa seabe sa bone sa go aga kago eo, ntle le tefo epe. Fa a tswa la gagwe, molomaganya ditiro tsa ba-na-le bogole mo ofising ya ga Tautona, Rre Thomas Motingwa a re e rile kago eo e simolodisiwa, ga bewa seelo sa gore e bo e wetse ka kgwedi ya Phukwi monongwaga. A re ka jalo maikaelelo ke gore e bo e bulwa semmuso ka Phatwe. Mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, gape e le mothusa tona wa lephata la peeletso, papadi le madirelo, Rre Biggie Butale o ne a kaya fa tiro e e dirilweng ke Rre Morupisi ya go ithaopela sekole sa Moroka, e le e tona e e tlhokang go galalediwa. Rre Butale a re Rre Morupisi o diragaditse maitlamo a tebelopele ya 2016, a tshaba e e kutlwelobotlhoko e le lorato, a tlatsa gape ka go re se se dirilweng se gatelela mafoko a a mo Baebeleng, a a supang fa go le sego letsogo le le abang go na le le le amogelang, ka jalo a kopa batho go tsaya malebela mo go seo. Mothusa tona o tlhalosa fa mowa wa boipelego e le one o agileng lefatshe leno, ka moo a re fa o ka tsosolosiwa o ka isa lefatshe leno golo gongwe. Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Moroka, Rre Gobe Moipolai le ene fela jalo o ne a iteela Rre Morupisi legofi, a supa fa a tletse boitumelo go bona ka fa kago e tsweletseng ka teng e bile le didirisiwa di tsweletse ka go goroga. BOKHUTLO society 9 Ba ipelela peo ya kgosi Banni ba Ramotlabaki ba ne ba tshwere moletlo wa go ipelela peo ya kgosi ya bone. Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela peo ya kgosi ya motse oo bosheng, Kgosi Michael Balebetse wa Mmathubudukwane o ne a supa fa go bereka ba le seopo sengwe e le morafe e le gone fela go ka tlhabololang motse wa bone. Kgosi Balebetse o ne a tlhalosetsa Kgosi Sakaiwa Modidi fa a romilwe ke morafe go ba tlhokomela le go ba direla a sa tseye letlhakore lepe a supa fa kgosi ke kgosi ka batho. A re o tshwanetse go reetsa dilelo tsa morafe wa gagwe le go utlwa matshwenyego a bone mme a rarabolole dikgang tseo ka bopelokgale a tlatsa ka gore tiro ya bogosi e batla bobelokgale. O boletse fa a tshwanetse go netefatsa gore dinako tsotlhe o amogela dikgakololo tse a di fiwang ke morafe wa gagwe e le tsela ya go aga motse le morafe a supa gore seo ka bo sone se ya go tiisa morafe mooko. A re batho ga ba akanye ka go tshwana mme o ne a gakolola Kgosi Modidi gore se se botlhokwa ke go sekaseka megopolo ya bone gore motse o gatele pele. Kgosi Balebetse o boletse fa kgosi e tshwanetse go nna le boikarabelo a re kgosi ke motho yo o itshwarang sentle mme a mo gakolola gore a netefatse gore o tsamaya mo tseleng e e siameng nako tsotlhe. O ne gape a mo rotloetsa go bereka le dikomiti tsa motse,mokhanselara le badirelapuso ba ba mo motseng wa gagwe go na le gore a tseye ditshwetso a le nosi. E re dikgang di eme jalo, o ne a gakolola morafe wa motse oo,ka molelo wa kgolagano le boipuso jwa monongwaga a tlhalosa fa ba tshwanela ke go ipaakanyetsa ditiro tseo ka bobedi go netefatsa gore mongwe le mongwe o nna le seabe. Fa a tswa la gagwe Maitumelo Maemo go tswa kwa ofising ya ga molaodi o ne a kgothatsa Kgosi Modidi go bereka ka natla le ka kagiso le morafe wa gagwe. O ne gape a mo kgothatsa gore a dire thata le banana gore ba bue ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone. A re dikgang tse di amang banana di setse di le dintsi thata a fa sekai ka dipolaano tsa baratani a tlhalosa fa bontsi jwa tsone di ama banana mme o ne a kopa kgosi go bua le banana ba motse wa gagwe. O boletse fa go dira jalo gongwe motlha mongwe banana ba tlaa fetoga mme ba tseye tsela e e siameng a tlatsa ka gore le go ba busetsa mo ngwaong ya Setswana ke dilo dingwe tse a eletsang gore kgosi a di dire le banana ba motse wa gagwe. E ne ya re a tswa la gagwe, Kgosi Modidi a tshephisa morafe wa gagwe gore o tlaa bereka le bone ka manontlhotlho le ka bopelotelele a supa fa ene a eletsa go busetsa ngwao ya Setswana mo bananeng le kgang ya baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana. A re dikgang tseo ka bobedi o na le maikaelelo a go di emela ka dinao thata a supa fa ditiragalo tse dingwe tse di dirwang ke batho tse di duleng mo tseleng bontsi jwa tsone di bakiwa ke tsone dikgang tseo ka bobedi. society 9 ‘Lehuma le tla a nyelela kwa Boteti’ Banni ba motse wa Khwee ba rotloeditswe go nwa moro mananeo a puso le thuso epe fela e tswang mo dikomponeng le batho ka bongwe ka bongwe, ka go somarela se ba se abetsweng. Kgakololo e e ntshitswe ke mothusa tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Matshelo a Batho Ba Ba Mo Mafelong a Kgakala le Ditlamelo, Mme Botlogile Tshireletso, ka Labone, Sedimonthole a tlhola malatsi a le botlhano, jaaka banni bangwe ba motse wa Khwee ba ne ba abelwa dihutshane le dikoko ka lenaneo le le simolodisitsweng ke molaodi wa kgaolo potlana ya Boteti, Rre Loeto Porati. Mothusa tona a re o na le tumelo ya gore lehuma le tla nyelela mo kgaolong potlana ya Boteti ka gore makhanselara, dikgosi, bodiredi jwa puso le bagwebi ba tshwaragane, go thusa ba ba tlhokang. Le fa go ntse jalo, Mme Tshireletso o supile fa mabogo dinku a thebana, a supa fa lehuma le ka nyelela fa ele gore ba ba fiwang thuso le bone ba eme ka dinao go somarela se ba se abetsweng. O supile fa lenaneo la ofisi ya ga molaodi le tlaleletsa mo go le le tsweletseng ka ofisi ya boipelego la go abela banni ba metse e kgakala le ditlamelo leruo gore ba itlhotlhore lehuma. Le fa maiteko a le teng, a dirwa ke puso le bagwebi, a go ntsha banni ba mafelo a kgakala le ditlamelo mo lehumeng, Mme Tshireletso a re o tshwenngwa ke bangwe ba ba setseng ba rekisitse leruo le ba neng ba le filwe ke puso kana le nyeletse ka lene le sa fiwe tlhokomelo. A re bangwe fa ba sena go fiwa leruo ba a le rekisa mme morago ba fetoge badisa ba lone. Mme Tshireletso a re puso e tshwenngwa gape ke bangwe batho ba ba itirileng bophiri phamola ka go tsietsa banni ba mafelo a kgakala le ditlamelo ba reka leruo mo go bone ka diaparo le dikobo tse ba di tlhobogileng. “Ba dira jalo ba itse gore le nna mo mafelong a kgakala le ditlamelo ka jalo ba le tlakisa ka tse ba itseng gore ga le kgone go di bona motlhofo.” Mme Tshireletso o tlhaloseditse banni ba Khwee gore puso e tla tswelela ka go ba abela leruo, mme a supa fa go tla dirwa tshekatsheko e tseneletseng go tlhomamisa gore go abelwa ba ba nang le lorato e bile ba le tlhaga go ka tlhokomela leruo gore le ate. Mme Tshireletso o akgotse thata seabe sa bagwebi ba kgaolo potlana ya Boteti ka go ntsha madi a a ka tshwarang P74 400, a a thusitseng go reka dihutshane tse di thusitseng go simolodisa lenaneo la ga molaodi la go thusa go nyeletsa lehuma. A re ke tiro ya botlhokwa, e supang lorato le kutlwelobotlhoko. A re dikompone tse di thusang go tlhabolola matshelo a batho ba ba kobodikhutshwane di tlhoka go phophothwa legetla ka di rotloetsa maikaelelo a ga tautona a go agela Batswana ba ba senang bonno le go nyeletsa lehuma. O supile fa lenaneo la ga tautona la go agela batlhoki le tsweletse sentle ka thuso ya bagwebi ka go farologana le setshaba ka kakaretso. A re lenaneo le le thusitse banni ba Khwee ba le batlhano ngogola mme mono ngwaga le tla thusa ba le babedi. Mothusa Kgosi ya motse wa Khwee, Gabareutwe Boloka, a re le fa gone morafe wa gagwe o thusiwa ke puso ka mananeo a go tlhabolola matshelo le go nyeletsa lehuma, jaaka thuo ya leruo le dikoko, sebe sa phiri ke gore sediba se se nosang leruo leo se na le lebaka se senyegile ka jalo leruo le phatlhaladiwa ke lenyora. Le fa go ntse jalo, Kgosi Boloka o lebogile go menagane go bona bangwe ba motse wa Khwee ba bone thuso. O lebogetse gape lenaneo la ga tautona la go agela batlhoki matlo. Kgosi Boloka o supile fa tota a sa ntse a sa itumedisiwe ke seemo sa tsela, a re ga e tsamaege ka jalo e ka kgoreletsa ba ba eletsang go thusa go etela motse wa Khwee. Molaodi, Rre Porati, o supile fa e se la ntlha a dira tiro ya mofuta o, a supa fa a kile a abela bangwe dikoko a sa ntse a direla kwa kgaolong ya Charleshill, ka thuso ya bagwebi ba kgaolo eo. Rre Porati a re lenaneo le le akaretsa bagodi le banana ba dikhutsana ba ba sa direng sepe go tokafatsa matshelo a bone. A re o dira se ka lorato, tlotlo, kutlwelobotlhoko; a tlatsa ka gore maikaelelo ke go thusa batho ba le masome a mabedi le botlhano ngwaga le ngwaga, ba metse ya Mmeya, Mokubilo, Xere, Kedia le Khwee. Moemedi wa bagwebi, Rre Tipson Mahube, a re ba ne ba kopiwa ke ofisi ya ga molaodi go thusa ka madi go simolodisa lenaneo le le itebagantseng le go nyeletsa lehuma. Rre Mahube a re bagwebi ba ntshitse dithebenyana tseo e se sesupo sa gore ba na le madi, a supa fa ba dirile jalo ba eteletswe pele ke mowa wa lorato le keletso ya go bona lehuma le fokotsegile. Rre Mahube a re sepe se motho a se dirang se tlhoka lorato le boitshoko gore se tswelele pele, ka jalo a gakolola ba ba thusitsweng go nna boineelo le go dira ka natla gore leruo la bone le ate le bone ba kgone go thusa ba bangwe kamoso. BOKHUTLO society 9 Ba lela ka tlhaelo ya dijo mo dikoleng Makhanselara a kgaolo potlana ya Boteti ba lela ka tlhaelo le go tsisiwa ga dijo mo dikolong tse di potlana le tse dikgolwane, seemo se ba reng se dira gore bana ba ba nnang mo dikoleng ba ngwege. Ba ntshitse selelo se sa bone kwa phuthegong ya dipuisano tsa khansele potlana ya Boteti bosheng kwa Letlhakane ,ba supa fa bana ba ba nnang mo dikoleng ba sa kgore mme bangwe ba bone ba ngwegela kwa malwapeng mme ba kopa bogogi jwa thuto go tsibogela seemo sa dijo tsa bana. Makhanselara a ne gape a supa letshwenyego la tlhaelo ya matlwana a borutelo le mosuke mo dikoleng. Mokhanselara wa kgaolo ya Letlhakane Bokone Rre Aron Baitseng o boletse fa dikoloi tsa Letlhakane di le mosuke, mo ebileng go na le bana bangwe ba ba sa tsewang go ya go dira lekwalo lantlha a botsa gore go ya go dirwa jang ka bana bao. Makhanselara a bile a supa fa maduo a thuto mo kgaolong ya Boteti a le ko tlase thata. Mokhanselara wa kgaolwana ya Letlhakane Bophirima mme Thato Modirwagale o ne a kopa bogogi jwa thuto go dira thulaganyo ya gore batsadi ba nne le seabe mo thutong ya bana ba bone, a ba kgothatsa go tsaya malebela ko dikoleng tsa Orapa. Mokhanselara wa kgaolo ya Makalamabedi/Motopi Rre Onkhuparetse Monnaatsie o kaile fa tlhaelo ya barutabana le letlhoko la ditlamelo e le tsone di isang maduo a thuto kwa tlase. O ne gape a re batho ba ba filweng dihutshane ka lenaneo la LIMID ga ba a rutiwa ka tlhokomelo ya tsone. Mokhanselara wa kgaolo ya Mmatshumo ene o supile fa go na le bana ba le lesome le botlhano ba ba neng ba tshwanetse go ya go dira lekwalo lantlha ba maipaafela a Makolwane, a re ba sale ba tlogetswe gotwe ba tlaa tla ba tsewa nako kgolo ke eno. O tsweletse a botsa gore fa dikgwebo tsa bana di phutlhama jaana go dirwa jang fa ba sa duele, a tlatsa ka gore banana ba tsenya dikopo mme ba ganwe ,a tlatsa ka gore banana ba thusiwa jang ka lenaneo la go ikopela. Mokhanselara wa kgaolo ya Letlhakane Bokone Rre Boitshwarelo Mopedi o ne a kopa gore go tlhalosiwe gore ke dife dikgwebo tse di sa direng sentle tsa banana, le gore a ke tsa motho a le nosi kgotsa ke tse di kopanetsweng. Mo go tsa botsogo makhanselara a ne a lela ka letlhoko la dikoloi tsa dikokelwana le ba reng le baya matshelo a batho mo diphatseng, e bile a paledisa baoki go isa ditlamelo tsa botsogo kwa go senang dikokelwana, le tlhaelo ya dingaka,baoki. Makhanselara a ne a lebogela lenaneo la moepo wa Orapa la Orapa Today Boteti Tomorrow lenaneo le le akaretsang go agiwa sekole sa ithutelo ditiro ya diatla, katoloso ya madirelo ka go farologana, ba re leya go tsisa ditlhabolo mo kgaolong ya Boteti,le tlhamela bana ba kgaolo potlana eo ditiro, mme gape ba sebete se molanngwana ka kgang ya go fodusiwa ga barui,mo lefelong le go atolosetswang lefelo la diphologolo mo go lone, ba ya go nna ko mahudisong a a kopanetsweng. Mogolwane wa lephata la thuto Rre Philip Mpho o supile fa ba tlaa ela tlhoko seemo sa dijo mo dikoleng ,a tlholosa fa gompieno ba sena madi mme ba tlaa kopa kwa Serowe, atlatsa ka gore kgang ya mosuke mo dikoleng e teng e bakiwa ke gore batsadi ga ba kwadise bana kwa dikoleng tse di tshwanetseng, fa ba bangwe ba kwadisa bana morago ga nako e e beilweng mme ba tlhaelwe ke diphatlha. Mogolwane wa lephata la tsadiso ya leruo Rre Bueno Mokhutshwane a re ba ruta baikopedi ba dihutshane tsa lenaneo la LIMID ka mehuta ya dihutshane,letsalo la tsone ,melemo,malwetse,mekento le gore e dirisiwa jang. Mothusa Molaodi Rre Bahiti Keiphokotsi o ne a ba tlhalosetsa gore lenaneo la koloi e le nngwe motse le motse le dirilwe go sena dikoloi tsa lone, a re mo bogompienong le santse le dirisa dikoloi tsa maphata. education 4 Molelwane wa Mabolwe/Mlambaphele o tlaa bulwa Mafatshe a Botswana le Zimbabwe a dumalane gore kgoro ya molelwane ya Mabolwe/Mlambaphele e simolole go agwa e bo e bulwe ka bofefo. Se, se dumelwane ke botona ba selegae ba mafatshe oo mabedi fa ba ne ba etetse lefelo le kgoro ya molelwane e tlaa agiwang teng. Mookamela lephata la dipasa le mesepele wa lefatshe la Zimbabwe Rre Stephen Museki, o tlhalositse fa e tlaa re kgwedi ya Motsheganong e tlhola gangwe lefatshe la Zimbabwe le simolole go aga dikago tse di tsileng go dirisiwa fa kgoro ya molelwane e sena go bulwa ka kwa ntlheng ya lefatshe la bone. Rre Museki o boletse fa kgoro ya molelwane e tlaa simolola go bulwa ka nako ya borataro mo mosong go tsena nako ya boferabobedi maitseboa mme e re nako e ntse e tsweletse e nne e butswe dinako tsotlhe e sa tswalwe. Tona wa Lephata la Selegae wa lefatshe la Zimbabwe Rre Ignatius Chombo, o tlhalositse fa kgoro e ya molelwane e le botlhokwa fela thata e bile e tshwanetse go potlakelwa go bulwa ka bonako ka batho ba ba nna gaufi le molelwane oo, mo mafatsheng ka bobedi e le masika e bile ba tlamega go nna ba etelana mo mererong e tshwana dintsho,manyalo le mediro ya ngwao. Tona o ne a tswelela ka go tlhalosa fa go bulwa ga kgoro e ya molelwane go tla itsa batho ba mafatshe oo mabedi go tlola molelwane e se kafa molaong.Rre Chombo o boletse fa go bulwa ga molelwane go tlaa tiisa botsalano jwa mafatshe oo mabedi jo bo tswang kgakala ka jalo a tlhalosa fa dikgang tsa go utswiwa ga leruo mo lefatsheng la Botswana le tlodisetswa kwa Zimbabwe di tlogelelwe bogogi jwa metse ya mafatshe oo mabedi e e bapileng le kgoro e ya molelwane gore ba tle ba di rarabolole fa molelwane o sena go bulwa.T ona wa pereko le selegae wa lefatshe la Botswana Rre Edwin Batshu, o boletse fa a ne a kopa tona ya selegae ya lefatshe la Zimbabwe yo a leng mosha mo tirong go tla go bona lefelo le kgoro ya molelwane e tlaa bulwang teng. Le fa go ntse jalo tona o ne a feta a lekola banni ba motse wa Gobojango mo phuthegong ya nakwana mo kgotleng ya motse oo.Tona o tlhaloseditse banni fa a tsile le tona wa selegae wa lefatshe la Zimbabwe go tla go ba tlhomamisetsa fa kgoro ya molelwame e tlaa bulwa mo bogaufing. Tona o ne a tlhalosetsa banni ka ditirelo tsa lephata la gagwe a re banni ba tshwanetse go direla bana Omang fa ba sena go wetsa dingwaga tse di lesome le borataro pele ga malatsi a le masome a marataro a wela. Tona o ne a tlhalosa fa lephata la gagwe le tsile ka molao wa gore kereke e kwadisiwe fa e na le maloko a le lekgolo le masome a matlhano go baakanya molao wa pele o batho ba neng ba sa o dirise sentle go kwadisa dikereke. politics 7 A Moretlwa o lele - mopalamente Mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile, o sa tswa go dumalana gore banana ba ba ntseng ba tlhakaladitse ba tlhorontsha batho ka go ba gobatsa le go ba utswela mo Kanye ba ipitsa Matsayakankane ba lelelwe ke moretlwa. O buile jalo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa kgotleng ya Mongala mo Kanye ka Labone. O dumalane jalo morago ga gore morafe o bolele fa thupa e ntse e lelela boatleng mme sebe sa phiri e le gore bangwe batsadi ba fitlha bana ba ba senyang. Rre Kesupile o boletse fa tiro eo e le kgolo thata ka gore ba sireletsa setshaba sa kamoso se se tshwanetseng go nna boikanyego. A re lore lo ojwa lo sale metsi, ka jalo thulaganyo eo e tshwanetse ya tswelela, dikgosi le dikgosana di tshwanetse go ema ka dinao. Banni ba ne ba bolelela mopalamente gore ba ntse ba sokodisiwa ke banana, bogolo jang ba ba neng ba fetsa lokwalo lwa botlhano le lwa boraro. Morafe o ne wa itela kwa go kgosikgolo Malope II gore bana ba ba apesitse kobo ka letshoba, mme a laola gore a moretlwa o lele go inolwe kgaolo mo borukutlhing joo, jo bo ka senyang Kanye. Mo dikgannyeng tse dingwe, Mopalamente Kesupile o boletse fa a ngongorega ka bodiredi jwa khansele ya Borwa, a bolela fa ba le maoto a tshupa go lere ditlhabololo mo kgotleng ya Mongala. O boletse fa madi a LG 1109 a ntshiwa ngwaga le ngwaga go tlhabolola dikgaolo. A re madi ao ga a a tshwanela go boela kwa pusong gape, a tshwanetse go tlhabolola ka tlhoafalo. O buile ka molao wa matimela o o sa tswang go buisanngwa kwa palamenteng, o shafadiwa. Fa ba akgela ka molao wa matimela ba ne ba bolela fa ba sa dumalane le one. Ba re puso e batla go ba humanegisa. Ba re bogologolo matimela a ne a phuthwa ke mophato wa kgosi. Ba re ba ne ba latela matimela kwa merakeng le masimo. Le fa go ntse jalo, mogokaganyi wa temo- thuo mo kgaolong ya Borwa, Mme Monia Mfolwe o boletse fa temo monongwaga e le kwa tlase ka pula e le boutsana mme nako ya letsema e setse e wetse mo kgaolong ya Borwa. O kgothaditse balemi gore fa pula e ka na mo bogautshwaneng ba leme mabele le dinawa ka di le bogadi bo gaufi ka dinako tsa leuba. A re mmidi one ba seka ba o lekeletsa e bile ba ba setseng ba phakile peo ya mmidi ba ka ananya ka mabele. O boletse fa balemi bangwe ba phaka menontshane mme ba e tlogele mo dipuleng ba sa e dirise le mororo puso e o rekile boturu. O boletse fa go tlhoka go dirisa menontshane morago ga go e phaka e le borukutlhi. E ne e rile go le pele kgosana yoo ra Mongala, Kgosi Tshegofatso Mere a bolela fa pina ya setshaba e tshwanetse go tlotlwa, batho ba e itse, ba eme fa e opelwa. O ngongoregetse morafe gore ga o tsene diphuthego tsa kgotla le fa kgosikgolo a bitsa. A re diphuthego di tsenwa ke batho ba ba berekang Ipelegeng fela fa ba golotswe kwa tirong. O boletse gape fa kgosikgolo a tlaa kua mophato ka Seetebosigo, mme go batlwa banna ba dingwaga tse di simololang ka 1976 go tsena 1980. O buile gape gore kgosikgolo o ngongorega ka ditseo tsa malatsi ano, a bolela fa di dule mo ngwaong ya Sengwaketse. O ne a ba a bolela ka dikgang tse di mmalwa tse di amang Bangwaketse di ne tsa rolwa ke kgosikgolo bosheng kwa kgotleng e tona, a ba a bolela fa Tautona a tlaa tla mo Kanye mo bogaufing go tla go laela. Kgosi Mere o kopile gore ba mmaakanyetse fela jaaka ba metse e mengwe ba dira. crime_law_and_justice 1 Bakgatla ba lela ka leruo la bone Barui ba kgaolo ya Ramotlabaki le Phalakampa ba lela sa ga ragele ka leruo la bone le le tseneng ka gare itse la ba la nyelelela mo dipolaseng tse di mabapi le bone. E rile barui ba kgaolo eo ba bua mo phuthegong ya barui kwa Ramotlabaki ka Labone, ba supa fa leruo la bone le tlolela kwa kgaolong ya Legare fa lengwe le tsene mo dipolaseng tsa Aferika Borwa mme go nne thata go di bona. Mongwe wa barui, Rre Eric Masire a re kgang ya leruo la bone le le felelang kwa GaMmaNgwato e tswa kgakala go ntse go buiwa ka yone mme nako kgolo ke eno le fa gone kgang kgolo e le terata e e sa bolong go senyega. A re terata eo ke yone e ba jesetsang mo kgobedung ka jaanong e buletse dikgomo phatlha ya go tswa di bo di tsena jaaka di batla. Rre Masire a re mathata a mangwe ke gore fa go sena metsi mo kgaolong ya bone, dikgomo tsa bone di welela le noka di senka metsi mme boradipolase bangwe ba bula dikgoro tsa bone mme di tsene mo teng e be e le gone jaaka di ile.E rile morui ka ene a mo tlatsa Rre Matswienyane Kome a supa fa terata ya dipolase dingwe e wele mme e butse phatlha e mo go yone dikgomo di tsenang ka yone mme di felela kwa kgaolong ya ga GammaNgwato. A re mathata a simologa fa noka ya Notwane e kopanang teng le ya Limpopo bogolo jang ka gore dinako tse dinoka tseo di kgadileng dikgomo di tsena mo dipolaseng tsa batho di batla metsi. O ne a supa fa kgang e le go tlhoka tirisanyo mmogo mo gare ga bone le babereki ba dipolase tseo ka jaana go lebega bangwe ba bone ba dirisana le boradipolase bangwe go fitlha leruo leo bogolo jang mo dipolaseng tsa Aferika Borwa. Rre Kome a re fa dikgomo tsa bone di tsene mo dipolaseng tse di mo molelwaneng wa Botswana, babereki ba dipolase tseo ba di bulela go tswela kwa metseng e tshwana Mmaphashalala le Kudumatse. A re kgang ke gore ba tla bona dikgomo tsa bone jang mme a kopa Kgosi le Molaodi go ba thusa kgang e ka go tla felela go baka dikgoberego mo gare ga bone le barui ba bangwe ba dipolase tseo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo tsa motse oo, Rre Edwin Tladi a re dikgang tse di buiwang ke barui di boammaruri mme a supa fa ene a setse a kile a ya go tsaya dikgomo tsa gagwe kwa dipolaseng dingwe tsa barui ba Aferika Borwa. A re gona le bangwe ba ba senyetsang Batswana a tlatsa ka gore bangwe ba bula dikgoro tsa bone tsa dipolase ka bomo mme morago ba tswalelele leruo la bone moo e be e le gone jaaka go ile fela jalo ka lone. Rre Tladi o ne a kopa molaodi le mapodisi go ba thusa ka kgang e mme e bile a supa fa mapodisi a Botswana a tsibogela dikgang tsa borukhuthi mme baagisanyi o kare ba maoto a tshupa go ba thusa. Molaodi wa Kgatleng Mme Samapipi le Kgosi Segale ba ne ba supa fa dikgang tsa bone di tlhoka therisanyo ka di ama maphatlha ka go farologana mme go le botlhokwa gore ba ye go ba rerisa go bona tlharabololo ya dikgang tseo. Mme Samapipi a re selelo sa bone o se tsere sentle mme a supa fa go senyega ga terata le go sa baakanngweng ga yone e ka tswa e le gone go bakileng dikgang tse dintsi mme a supa fa a tla ikopanya le ba ba maleba. Kgosi Segale o ne a supa fa ko tshimologong terata eo e ne e siame fela sentle e bile morafe o e tlhokometse mme ya tlogelwa morago ga lefatshe la Botswana le sena go tsaya boipuso. A re ka nako eo go ne go sena dikgang tse dintsi ka gore leruo le ne le bulelwa go nwa metsi mme le busediwe mo phulong ya lone go sena mathata. BOKHUTLO society 9 Banana ba lela ka letlhoko la didirisiwa Banana kwa Lentsweletau mo kgaolong ya Kweneng ba kaile fa go na le tlhaelo ya didirisiwa kwa ofising ya bone. Ba ntshitse matshwenyego ao kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke motshwarelela tona mo ofising ya banana, metshameko le ngwao, Rre Vincent Seretse kwa motseng oo bosheng. Mongwe wa banana, Rre Thebeyame Molefe a re ofisi eo ga e na dibalamakgolo, motshine o o ntsifatsang dipampiri le one motlakase tota. Rre Molefe a re dinako tse dingwe fa ba ya go kopa dithuso kwa ofising eo, ba fitlhela mmabanana a seo gotwe o ile go dira ditiro tse dingwe tse di tlhokanang le go dirwa ka dibalamakgolo kwa Molepolole, jalo ba patelesega go boa ba sa bona dithuso. O kopile puso go tsibogela dilelo tsa bone ka go tsisa didirisiwa tse di tlhokafalang mo ofising eo go dira gore dithuso di bonale motlhofo le gone gore ba kgone go inaakanya le mananeo a banana. Fa a tlatsa kgang eo, Mme Matlhogonono Kgotcha yo e leng morui wa dikoko tsa setswana, o kopile gore mmabanana wa kgaolo ya bone a fiwe koloi e a tla nnang a e dirisa go lekola dikgwebo tsa bone. O kopile tona go batlela mmabanana wa kgaolo ya bone mothusi ka a bolela fa a lebanwe ke tiro e ntsi ntswa a le nosi fela. Fa a tsibogela dingongorego tsa bone, tona o boletse fa a dumalana gore go nale tlhaelo ya didirisiwa mo diofising dingwe tsa puso mme a kaya fa seemo se tla a tokafala mo nakong e khutshwane. O gwetlhile banana go itshwaraganya le diofisi tsa puso dingwe le dingwe fa ba batla thuso , a bo a ikuela mo maphateng a mangwe a a nang le dikoloi go thusa a a senang tsone. Bokhutlo society 9 Makhanselara ba ngongorega ka tiego ya ditlhabololo Makhanselara a kgaolwana-potlana ya East mo Ghanzi ba ngongoregile ka tiego ya ditlhabololo tse di tshwanetseng go dirwa ka lenaneo la madi a dikgaolwana tsa botlhophi. Makhanselara a ntshitse ngongorego eo fa ba ne ba akgela mo pegong ya komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo mo phuthegong ya khansele potlana ya East bosheng. Makhanselara ba rile fa e sale madi ao a ntshitswe, ga gona sepe se se simolotsweng. Ba re e sale go twe go dirwa dithendara le gompieno ga ba itse gore di tsamaya fa kae. Ba kopile ofisi ya ga molaodi go emela kgang eo ka dinao ka gore ba tlhokana le ditlhabololo. Makhanselara ba ne ba kopa khansele le ofisi ya ga molaodi go tswa ka maano a a ka thusang ba ba tlhokang dikago tse ba ka berekelang mo go tsone dikgwebo tsa bone, thata mo toropong ya Ghanzi. Makhanselara ba supile fa bontsi jwa dikgwebo tsa banana di phutlhame ntateng ya mafelo a ba direlang teng, ba lopiwa madi a mantsi, ka jalo ba palelwa ke go duela. Ba ne ba kopa ba lephata la ditsela go baakanya ditsela ka gore ditsela tsa metse e mengwe ga di mo seemong se se siameng. Ba supa gape fa mo tseleng ya Ghanzi le Kuke, leruo le nna fela mo tseleng, mme le ka baka dikotsi. Makhanselara ba ne ba ngongorega ka matlo a a agelwang batlhoki gore ga a mo seemong se se siameng ka gore bontsi jwa matlo ao a ana, ka jalo ba kopa khansele go potlakela go baakanya matlo ao. Mokhanselara wa Grootlagte, Rre Ezekiel Kajuu o ne gape a ngongorega ka mananeo a lephata la bong gore dimausu tse di neng di neetswe batlhoki go itshetsa ka tsone ga di sa tlhole di bereka di phutlhame. Mokhanselara Kajuu o ne a batla go itse fa lephata la bong le sena leano lengwe go thusa batho bao go simolola dikgwebo tsa bone gape. A re o lemogile fa batho ba ba newang dithuso tsa dimausu, ba ne ba sa rutuntshiwa ka dikgwebo tseo, ke sone se se dirileng gore dikgwebo tsa bone diphutlhame. Mokhanselara Kajuu a re lenaneo la ISAAPAD le tsweletse sentle mathata ke gore batho ba santse ba sa tlhaloganye gore ba ka ipopa ditlhopha gore ba phunye didiba kwa masimo. Mokhanselara wa Newxade, Rre Jumanta Gakelebone a re ka maikaelelo le maikemesetso a puso ke go ntsha Batswana mo lehumeng, jaanong o ipotsa gore go diragala eng ka mananeo ao ka bontsi bo phutlhame ntateng ya gore ga gona theko kwa metseng. Mokhanselara Gakelebone o ne a kopa ofisi ya molaodi go tsenya thata leitlho mo dikgwebong tse dineetswe batho gore ba bone gore ke eng di phutlhama. Mokhanselara o ne gape a ngongorega ka mananeo a khansele, gore bontsi jwa one a na le mathata, mme bone e le khansele ba tshwanetse go emela mananeo ao ka dinao gore a kgone go bereka sentle. Mokhanselara wa Ghanzi Township Central, Mme Gakeolete Dikoma ene o ne a ngongorega ka modumo o o sa robatseng batho ba toropo ya Ghanzi. O ne a kopa molaodi go ba thusa ka gore ga a itse gore go na le diteseletso tse di fiwang boradibara gore ba letse go fitlhelela phakela. E rile mothusa molaodi, Rre Williama Keareng a araba dingongorego tsa makhanselara, a supa fa e le nnete ditlhabololo tsa madi a dikgaolwana a botlhopi di diegile, mme ba tlaa leka ka bojotlhe gore ngwaga o o tlang di simolole ka gore go ne gona le dikgwetlho dingwe tse di neng di dira gore lenaneo leo le diege go simolola. Rre Kaereng a re ka modumo o dumalana le mokahanselara ka jalo o tlaa kopana la ba ba lebaganyeng go fedisa modumo oo. Tse dingwe dikgang o supile fa ba tlaa di sala morago. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Mapodise a tlhotlhomisa loso Mapodise a Mahalapye a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa kgotla ya Tshikinyega kwa Mahalapye a fitlhetsweng a tlhokafetse. Monna yoo, go bolelwa a emeletse mo lwapeng kgwedi eno ya Moranang e le lesome le botlhano mo mosong, a kaya fa a ya go batla dilwana tse a di rekisang mo semausung sa gagwe kwa marekisetsong a Mahalapye, mme a ela ruri. O bonwe maabane ke mofeti le tsela kwa kgotleng ya Xhosa go bapa le polase ya Morale mme a begela ba sepodise. Mookamela mapodise a Mahalapye, superintendent Amos Kekgathetse a re, go supagala fa rre yoo a ikaleditse ka go fitlhetswe a akgega mo setlhareng. Rre Kekgathetse a re, go lebega rre yoo wa dingwaga tse di fa gare ga 30 le 35 a na le lebakanyana a ntse a tlhokafetse ka setopo sa gagwe se fitlhetswe se senyegile. Mo tiragalong e nngwe, banna ba le bararo ba dingwaga tse di magareng ga 27 le 28 ba bone dikgobalo tse di masisi morago ga gore koloi e ba neng ba tsamaya ka yone e amege mo kotsing fa tsela ya Mahalapye e kopanang teng le ya Kalamare. Borre bao botlhe ba bone dikgobalo mo tlhogong mme ba robaditswe kwa dikokelong tsa Marina le Nyangabwe. E ntse e le mo Mahalapye, rre mongwe wa kgotla ya Mowana o tseneletswe ke dilalome mo ntlong mme ba mo amoga dithoto tsa ntlo. Kwa motseng wa Taupye le gone go thubilwe mo sekolong se se botlana sa Moineedi mme ga utswiwa dikhompiutara. Rre Kekgathetse a re, ba tshwere bangwe go ba thusa ka ditlhotlhomiso mo tiragalong eo.Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Katoloso ya sekole sa Mahupu e tsweletse 
sentle Thulaganyo ya go godisa sekole sa Mahupu kwa Takatokwane go nna sengwe sa tse dikgolwane e tsweletse sentle mme go solofetswe gore sekole seo se amogele e le la ntlha baithuti ba mophato wa bone ngwaga o o tlang. Seo se tlhomamisitswe kemogolwane mo ofising ya thuto kwa Letlhakeng, Rre Ndineni Mbuso jaaka a ne alekodisa makhanselara a kgaolo-potlana ya Letlhakeng ka tswelelopele ya tiro eofa ba etetse sekole seo go lekola tiro. Rre Mbuso o supile fa sekolesa Mahupu e le sengwe sa dikole tse di kgethilweng mo Botswana go itebaganya lego godisa talente ya baithuti ba ba dirang sentle mo go tsa mabelo, metshamekole tsa botaki, ka jalo a supa fa go tlaa agiwa mabala a metshameko a boleng jobo kwa godimo fela thata. Rre Mbuso a re ka jaana ba itemogetse fa tlhaelo ya metsie le kgwetlho e kgolo mo kgaolong, ba tsweletse ka go dira maiteko a go phunyasediba mo sekoleng gore e re mo isagong fa sekole se se lebanwe ke tlhaelo yametsi go seka ga nna le kgoreletsego mo thutong ya bana. E rile a tswa la gagwe,mogokgo wa sekole seo, Rre Khan Masau a re bodiredi mo sekoleng bo eme malala alaotswe mo dipaakanyetsong tsa go amogela baithuti ba mophato wa bone, a kayafa bangwe ba setse ba etetse dikole tse dikgolwane di le mmalwa go ya go tsayamalebela. A re ba setse ba tlhamiledikomiti di le mmalwa go thusa mo dipaakanyetsong gore tiro e nne motlhofo. Osolofeditse fa e tlaa re mo bogaufing ba ikgolaganye le bogogi jwa motse lemorafe go tla go bua ka paka e sekole se tlaa e dirisang, mme ka jalo agatelela botlhokwa jwa tshwaragano magareng ga bodiredi jwa sekole le setshaba. Moemedi wa kompone ya RedEast Construction e e itebagantseng le tiro ya kago, Rre Dean Lin o supile gorelegato la ntlha la dikago tse le tlaa wela kgwedi ya Tlhakole mo ngwageng o otlang mme sekole se kgone go amogela baithuti. A re legato la bobedi ebile ele la bofelo lone le tlaa wela mo kgweding ya Ngwanaatsele ngwaga o o tlang. Mongwe wa makhanselara, RreTshabahule Kgotlhang yo e leng mokhanselara wa kgaolwana ya Ditshegwane/Maboanea re o kgotsofaditswe ke kgatelopele e a e bonang e e akaretsang go agiwa gamatlo a borutelo, a boroko jwa baithuti le a bodiredi mo sekoleng mme a supa faa na le tumelo ya gore e tlaa re mo ngwageng o o tlang sekole se kgone goamogela baithuti. O supile fa go godisiwa maemoga sekolo sa Mahupu, e le maiteko a mantle fela thata a puso ebile go tlaa sekego tswele banni ba Takatokwane ba le nosi mosola mme go tlaa thusa kgaoloyotlhe. A re baithuti ba kgaolo eo ba tsena kwa mafelong a a kgakala, selo se areng se paledisa botsadi go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana. O kailefa jaanong batsadi ba tlaa kgona go lekola tiro ya baithuti gaufi. Modulasetilo wa khansele-potlanaya Letlhakeng, Rre Thomas Batlhophi o supile fa le ene a itumeletse kgatelopeleya tiro eo mme a gwetlha ba-na-le-seabe botlhe go itoma molomo wa tlase le goabelana kitso gore tiro e seka ya imela ope mme e wele ka nako. education 4 Borukutlhi bo tshwenya kgosi Kgosi Piet Raditlhong wa Diagane kwa Mogoditshane o lela ka dikgang tsa borukutlhi jwa go kgothosa le go thuba matlo mo go golelang pele. Kgosi Raditlhong o boletse mo potsolotsong fa kgotlana ya gagwe e tsweletse ka go amogela dikgang tsa borukutlhi jwa go kgothosa batho mo mebileng A re batho ba tshabelelwa ke go kgothosiwa ka gore Diagane o mosha ka jalo ba fologa dipalamo tsa setshaba kgakajana le malwapa a bone. A re mo dinakong tse dingwe le tsone dipalamo di a tlhaela, mme ba patelesege go tsamaya sekgelenyana go tshwara mosepele kwa dipalamong tse di tswang Mmopane le Metsimotlhabe. Kgosi Raditlhong a re dikomiti tsa ntebele ke go lebele di phutlhame. Le fa go ntse jalo, o boletse fa erile bosheng a kopana le mapodisi go buisanya ka tsela e dikomiti tse di ka tsosoloswang ka yone. Go sa le foo, Kgosi Raditlhong o supile fa go thubiwa ga matlo go le gontsi thata. A re matlo a thubiwa bosigo le motshegare ka jaana banni bangwe ba bereka fa ba bangwe ba santse ba tlhabolola ditsha tsa bone. O boletse fa go tlhoka go tlhabolola ditsha dingwe go rotloetsa borukutlhi ka dilalome di dirisa matlo a a sa felang go iphitlha mo go one. Kgosi Raditlhong o kopile banana go sa nneng fela ka diatla gonne ba ka raelesega go dira ditiro tse di duleng mo tseleng. O rotloeditse banana go ithaopa kana go tsaya mananeo a ga goromente mme ba kgone go itshetsa. crime_law_and_justice 1 Ba lebogetse loeto la ga tona Batho ba Matlapana mo kgaolong ya Maun, ba lebogetse leeto la tona wa tsa pereko le selegae Rre Edwin Batsu ba re le ba butse matlho ka dikgang tse a neng a di ba baya pele. Ba buile jalo kwa kgotleng ya motse oo kwa tona a neng a buisa phuthego teng beke eno. Rre Olopeng Dobe a re tona o ba neetse mafoko a mantle thata a ba ntseng ba sa a bone gope a re badirelapuso ga ba tlhalose dilo jaaka tona a boletse. Rre Dobe a re seo se supa gore ba ntse ba sa tlhaloganye dilo di le dintsi segolo jang ka melao ya tsa khiro mme a re o leboga thata ka ba bonye thuto e ba sa bolong go e tlhoka. Rre Oarabile Johannes ene o ne a kopa tona gore go nne go dirwa dithuto tse di ka bulang batho matlho segolo jang ba kgaolo eno ka melawana ya tsa khiro. A re go sa ntse go na le dikampa dingwe mo makgobokgobong tse di kgokgontshang babereki mo go botlhoko. O tsweletse a re bone batho ba ba kgokgontshiwang ba ga ba ntshe dipego dipe ka tota go lebega ba sa ntse ba sa tlhaloganye go le gontsi ka ditshwanelo tsa bone. A re mo nakong ya gompieno dikampa dingwe di sa ntse di na le melao ya gore babereki fa ba tla go tsaya dipilisi tsa bone tsa diritibatsi ba ipege mo difofaneng tsa bone. A re go dira jalo go baka gore batho bao ba berekele madi a difofane fela mme seo se dire gore fa ba tla gae ba bo ba tla ba sa tshola sepe mme a re fa ba ka rutwa ka melawana ya tsa pereko gongwe go ka nna botoka. O bile a kopa tona gore nako nngwe a tle a etele dikampa tse di mo makgobokgobong go bua le babereki ba gore le ene a tle a utlwe mathata a ba nang nao. Rre Aron Sitilo o ne a ngongorega ka medumo e a rileng e bakiwa ke barekisi ba nnotagi e se ka fa molaong. A re medumo eo e dira gore le maduo a sekole sa motse wa bone a wele tlase ka bana ba nna fela koo. Fa a ba kgwa dikgaba, tona Rre Batsu a re o dumela fa dithuto tsa pereko di le botlhokwa thata. O tlhalositse fa dikgang di tshwana tsa medumo mo motseng e le tsa lekalana la tiragatso molao la khansele mme a gakolola gore batho ba ne ba bega medumo eo kwa mapodiseng. A re ene o lemogile fa batho ba tshaba go bega ka mokwalo mme a re seo se dira gore dikgang tsa bone e nne ekete ga di a buiwa. Ka dikgang tsa bo Omang ba ba busiwang, o dumela fa botsadi jo bo a bong bo setse le bana ka nako eo fa batsadi ba le kwa ditirong e le jone bo sa ntsheng bosupi jo bo tlhamaletseng. BOKHUTLO society 9 Tshwarang ka thata - Mokwena Mothusa mmatoropo wa Lobatse, Rre Francis Mokwena a re boikarabelo jwa go ruta bana bo na le maduo. Rre Mokwena o buile jalo kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la barutabana kwa Lobatse Seetebosigo a tlhola gangwe. O tlhalositse fa barutabana ba lebanwe ke dikgwetlho jaaka go aga tshaba ya lefatshe le isago ya bana le fa bone bana ba inaakantse le tiriso botlhaswa ya dino le ditagi. A re ba amogela dipego tse dintsi tse di supang gore baithuti ba tshosetsa barutabana matshelo, mme barutabana bone ba leka go lwantsha lehuma le letlhoko la ditiro ka go ba fa dithuto. Rre Mokwena a re maikaelelo a barutabana ke go nna sekao mo lefatsheng, ka mongwe le mongwe a tswa mo diatleng tsa bone. E rile a tswa la gagwe, go tswa kwa lekgotleng la barutabana (BOSETU) mokwaledi kwa dithuto tse di kwa tlase Rre Othusitse Dibotlhale, a re barutabana ke megaka ya khumo ya lefatshe, e bile ba tshwanetse go ipelela letsatsi la bone. Rre Dibotlhale a re thuto ya lefatshe leno e kgonwa ke barutabana, le ntswa ba aparetswe ke dikgwetlho di le dintsi. O tlhalositse fa barutabana ba kotlometse maikutlo ke diemo tse ba iphitlhelang ba le mo go tsone di tshwana le go tlhoka go tlhatlosiwa maemo, le go tlhoka go tsewa ka tekatekanyo, letlhoko la boroko le matlo a borutelo a a mo diemong tse di sa siamang, go tlhorontshiwa ke baithuti ka dipuo le go ba itaya. Le fa go ntse jalo, Rre Dibotlhale o ne a ba kgothatsa gore le fa ba na le dikgwetlho di le kalo, ba seka ba ipona tsapa, a tlatsa ka go re kwelo tlase ya maduo e a tshwenya. A re le fa go ntse jalo, puso e lemogile gore ga go na sepe se se ka tswelelang ntle le barutabana. Ka jalo o ne a kopa barutabana gore fa ba batla ditshwanelo tsa bone mo pusong, ba nne le boitshwaro jo bo amogelesegang, mme e bile ba itse gore lekgotla la bone le ba eme nokeng. BOKHUTLO education 4 Banni ba ne ba itshware sentle Mogolwane wa mapodisi a Orapa Superintendent Kabo Badirwang a re le mororo banni ba kgaolo ya gagwe ba ne ba itshwere sentle ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha mme ba gatisitse melato e mebotlana. Superintendent Badirwang o boletse gore ba gatisitse melato ya batho ba ba nwelang bojalwa mo mekgwatheng ba le lesome le boraro , ba ba fitlhetsweng ka motokwane ba le batlhano fa ba go tlhoka go itshwara sentle ba robabongwe. O tsweletse a re mo melatong ya tsela ba gatisitse ya batho ba ba neng ba tsamaya ka lebelo le le kwa godimo ba le lekgolo le masome a mararo le borobabobedi, ba ba kgweetsang ba sena diteseletso ba robabongwe, ba ba sa tsenyang mabante a pabalesego ba le lesome fa yo o fitlhetsweng ka selekanyo se se kwa godimo sa bojalwa a le mongwe fela . Superintendent Badirwang a re ba lemogile gore bagwebi bangwe ba bojalwa ga ba sale morago melawana ya thekiso ya bojalwa, a supa fa bangwe ba ne ba tswalela bareki mo marekisetsong a bone gore ba tswelele ba reke. Le ntswa go le jalo, Superintendent Badirwang o lebogile mapodisi, macluster le ba ntebele ke go lebele ba kgaolo ya gagwe go bo ba ne ba bereka ka natla go hema borukutlhi. Mo go tse dingwe, mogolwane wa mapodisi a Rakops Superintendent Makgope Oageng o boletse fa monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bosupa wa kgotla ya Kopo gone kwa motseng oo a ikgapetse botshelo ka go ikaletsa mo ntlong morago ga gore a tlhoke kutlwisisano le mokapelo wa gagwe . Superintendent Oageng o boletse gape gore go nnile le kotsi e mo go yone mosadi wa dingwaga tse di masome a matlhano le bosupa a thudilweng ke koloi ya ba ya mo roba leoto mme o tlhalositse fa ba belaela gore mokgweetsi wa koloi eo o ne a tsamaya ka lebelo le le kwa godimo. Superintendent Oageng a re ba gatisitse melato ya tsela ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha e akaretsa go dirisa dikoloi tse di sa itekanelang, go kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo gammogo le go kgweetsa motho a sena teseletso ya go kgweetsa. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Bagodi ba leboga Maranatha Bagodi ba Francistown le mafelo a a gaufi le toropo eo ba ba amogelang madi a tandabala kwa posong ya Francistown, ba opetse ba mokgatlho wa Maranatha Help Centre legofi ka thuso e ba e ba fang, ya go ba isetsa dijo kwa posong. Mongwe wa bagodi bao, Rre Ontiretse Montsho a re o itumela thata ka tiro e ntle e e dirwang ke ba mokgatlho oo ka o ba fa seriti. Rre Montsho o buile jalo mo potsolotsong fa maloko a mokgatlho wa Maranatha Help Centre a ne a ba iseditse dijo kwa posong ka letsatsi la dikamogelo. A re go le gantsi fa ba ya kwa posong ba phakela thata mme ba tlhoke le yone nako ya go bona tse diyang maleng ka ba a bo ba gopotse mela e meleele ya dikamogelo. Rre Montsho a re ba mokgatlho wa Maranatha Help Centre ba tswelele ka lerato le tlotlo e ba e fang bagodi, a tlatsa ka gore ba tla segofala ka ba dira thato ya Modimo ka gonne ba setse morago molao o o reng tlotla mmago le rrago gore malatsi a gago a okediwe mo lefatsheng. Mme Itani Maseko wa Tsamaya le Mme Florah Mapeta wa Jamataka, ba boletse gore dijo tseo di botlhokwa ka jaana ba tswa kwa malwapeng a bone phakela thata gore ba tle go nna ba ntlha kwa posong. Ba re tlala e inaakanya le bone fa ba ise ba thusiwe mme go sena se ba ka se jang le one madi a go reka dijo tota a seo. Jalo he, ba bolela fa dijo tse ba di fiwang ke ba mokgatlho o di le mosola thata, e bile ba akgola ba bo ba rotloetsa maloko a Maranatha Help Centre go tswelela ka mowa oo wa lorato, ba tlatsa ka gore ba tla segofala ka gotwe go sego letsogo le le abang go nale le le amogelang. Mme Kereeditse Mpoloka wa dingwaga tse di masome a ferabongwe le boraro, ene o boletse fa a itumetse fela thata ka dijo tseo, a re ke tiro e ntle go bona bagodi e se morwalo wa puso fela mme go nale bangwe ba ba supang fa ba kgathala ka bone. Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa mokgatlho wa Maranatha Help Centre Mme Mamcy Victor a re ba isetsa bagodi dijo tseo mo diposong tsotlhe tse di mo Francistown. Mme Victor a re ntswa mokgatlho o o le mosha go tlhamiwa, dikgwetlho tsone di teng jaaka letlhoko la madi, a ba a kopa dithuso mo setshabeng ka kakaretso gore ba tle ba kgone go thusa bagodi botlhe mo Botswana. O tlhalosa fa ba se bantsi mo mokgatlhong oo mo ba ka sekeng ba fitlhelele diposo tsotlhe ka letsatsi le lengwe fela. Mme ba bone gore ba ise dijo kwa diposong ka malatsi a a farologaneng. Mme Victor a re mokgatlho oo o simologile kwa Francistown mme ba batla o anama le lefatshe lotlhe mo isagong. BOKHUTLO society 9 Lephata le abetse balwetse merogo Badiri ba lephata la dikoloi (Central Transport Organisation) kwa Tutume ba abetse balwetse ba kokelo-potlana ya Tutume merogo. Modulasetilo wa komiti ya botsogo mo lephateng leo, Rre Itireleng Mapondo a re merogo eo ba ne ba e lema gore ba tle ba e je ka ebile ba botsogo ba rotloetsa batho go ja merogo go oketsa dikotla mo mmeleng. Rre Mapondo a re ba ile ba lemoga fa go na le batho bangwe ba ba tlhokang go ka a ja merogo bogolo jang balwetse ba ba kwa kokelong ba lebile gape gore le bana bangwe ba ka tswa ba tlhaela dikotla mme ba bona go tshwanela gore ba kgetle bonyenyane jo ba nang najo ba ngathogane le batho bao. A gatelela ka gore sejo sennye ga se fete molomo, ka bonye jo bokalo setshaba se tlaa kgona go lemoga fa ba sa itebaganya le go baakanya dikoloi fela mme ba tshwenyega ka botsogo jwa batho. A re gape ba ne ba le mo moonong wa go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba ya 2016 ya setshaba se se kutlwelobotlhoko se se tlhokomelang batho botlhe. Fa a amogela mpho eo mo boemong jwa botsamaisi jwa kokelo eo, Mme Bekezela Gilika o ne a lebogela badiri bao tiro e ntle e ba e dirileng. Mme Gilika a re ba ba butse matlho ka ba ntse ba le mo maikaelelong a go lema tshingwana mo kokelong mme maiteko a bone a nna a itaya se fololetse. A re ba kopa go ngathogana le bone botsipa jwa gore bone ba kgonne jang go tsweledisa toro ya bone ya ba ya atlega ka ebile le merogo ya teng e ne e rothisa lethe e kgatlhisa thata. O ile a ba gwetlha go ikopanya le baduladitilo ba dikomiti tse dingwe tsa botsogo tsa maphata a mangwe mme ba dire komiti e tona e e tlaa bong e okametse kgaolo. A tlhalosa fa lephata la botsogo le na le thulaganyo ya go thusa komiti ya go tshwana le eo ka madi go tsweledisa mananeo a ba nang le one. BOKHUTLO health 6 Ditholo di inisa banni ba Masingwaneng ka je Banni ba Masingwaneng kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba re ga robatswe ke ditholo tse di uputsang masimo a bone. E rile ba bua kwa phuthegong ya kgotla e neng e buisiwa ke mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Biggie Butale bosheng, ba tlhalosa fa ba ne ba lemile mo go kgathisang mme e ne ya re dijwalo di gola ditholo tsa dira go swela. Banni ba kaile fa ditholo di tlola terata e ageletseng masimo mme di lale mo masimong a bone bosigo jotlhe. Ba re se se utlwisang botlhoko ke gore tshenyo e ke selo modiro ngwaga le ngwaga mme ga ba nke ba atswiwa ka sepe. Ba re ba santse ba tshegeditse ngwao ya go lema mme ditholo di ba tsenya mowa wa itlhobogo. Bangwe ba buile fa mo dingwageng tse di fetileng ba kile ba bo ba lema thata mme ba robe thobo e nametsang mo ba neng ebile ba rekisetsa baba sa lemang. Mo go tse dingwe banni ba re ba tshwenngwa ke leobo la kgotla ya bone le le tserweng ke phefo ngwaga o fetileng o fela mme ga ba bone thuso epe. Ba ne ba supa fa mo nakong ya gompieno ba tshwarela diphuthego ka fa tlase ga ditlhare tse di mo kgotleng. E rile a tsibogela matshwenyego a, mogolwane wa lephata la diphologolo le makgabisa naga kwa Masunga, Rre Malatsi Mamane a rotloetsa banni go lwantsha ditholo ka e se diphologolo tse di borai. O kopile banni gore fa ba kopana le ditholo tse kwa masimong a bone, ba di bolae mme ba itsise kgosi yo le ene a tla bitsang lephata la diphologolo le makgabisa naga. Rre Mamane a re balemi ba nne ba ya masimong le dintsa tsa bone segolo bogolo ka nako ya maitseboa go emela ditholo tse. A re dintsa di tlaa kgona go ba thusa go batla kwa ditholo di nnang teng gore ba kgone go di leleka. E rile a araba banni mabapi le leobo la kgotla, mokwaledi wa makgotla a Setswana, Mme Sinikiwe Matiha a supa fa go baakangwa ga maobo a kgotla go le mo maruding a morafe. A re disanke tse di neng di ruletse leobo di sa senyega tsotlhe ka jalo morafe o ka di dirisa go busetsa leobo mo seemong. Mme Matiha o ne gape a kopa banni go akanyetsa leobo le mo mading a ditlhabololo a dikgaolwana. society 9 Go obamela matshwao a tsela go boloka matshelo Kgosi Kgabosetso Mosielele wa Moshupa o tlhalositse fa boikokobetso le bopelotelele e le magata mmogo mo bogosing. O buile seo fa go tlhongwa kgosi wa tetlanyo, Rre Diseko Banyatsang, wa kgotla ya Marannye kwa Moshupa bosheng. E rile Kgosi Mosielele a baya Kgosi Banyatsang lefoko pele, a mo rotloetsa go tsamaisa tiro ya gagwe ka mowa wa boineelo le lerato ka jaana tsela ya bogosi e le ee mitlwa. “O seka wa bo wa fa ditshele, ditshebo le ditlontlokwane tsa morafe sebaka sa go tsena mo tirong ya gago lecmo go tseeng ditshweetso tse di maleba jaaka moletlanyi, tse tsotlhe ke baba ba bogosi. Go di fa sebaka go ka go tlhokisa boikarabelo mme wa iphitlhela o le mo matswakabeleng a botshelo,” Kgosi Mosielele o ne a tlhalosa. O ne gape a gakolola Rre Banyatsang go ntsha modimo botshabelo jwa gagwe, a tlhalosa fa gole gantsi bangwe ba tshabelelwa ke go supa le go leba magosi ka leitlho le le ntshotsho tebang le gore ditshwetso tsa lekgotla di bo di ba baya ka fa mosing le ntswa di le maleba. A re ka jalo kgosi o tshabelelwa ke go bitswa maina a bo a fetolwe maba ke bao ba amaegang, mme fela a mo gakolola go ikanya thapelo. Kgosi Mosielele a re le fa diemo dingwe di ka mo gogomosa maikutlo, fela a itse gore thipa e sega molweetsi wa yone, ka jalo a nne bonolo le boikokobetso ka dinako tsotlhe go itsa go dirisa maikutlo a a sa welang mo tirong. E rile a itebaganya le morafe a ba lebogela go sala morago tsamaiso ya neelano ya bogosi. A re bogosi bo a dibelwa le go ilelwa ka jalo fa go tlhophiwa kgosi, pele dikgang tsa bogosi di buelwa pele mo ntlong, e re morago kgang e tswele kwa ntle go itsisiwe ba ba maleba kwa godimo. O tlhalositse fa tsamaiso eo e salwa morago fela jalo go boela tlase gore go dirwe tumalano ka yo o maleba yo morafe o mo itlhophetseng go fitlhelwa a bo a tlhomiwa. A re eo ke tsela ya go dibela le go ilela bogosi. O tlhagisitse morafe go itse gore molaa kgosi wa bo a e itaela, ka jalo a lopa morafe go dirisana le Rre Banyatsang ka tshiamo. E ne yare fa a tswa la gagwe motshwarelela bogosi jwa bakgatla Kgosi Oscar Mosieelele a iteela kobo moroko mo mafokong a ga mogolowe Kgosi Kgabosetso Mosielele tebang le neelano ya bogosi. O lebogile banni ba kgotlana ya Marannye a re seo se fa bogosi seriti le tlotla e e maleba. A re go le gantsi gona le gore bangwe ba nyatse magosi le ntswa morafe e le one o ba romileng. O tsweletse a re sedibeng go iwa ka tsela, ka jalo a gakolola morafe go itse gore dikgang dipe fela tsa tetlanyo di simolola kwa makgotlaneng a bone pele ga di kaya go goroga kwa lekgotleng le legolo. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Thapelo ke makgonatsotlhe Moeteledipele wa kereke ya Keresete Motswedi Catholic, Bishop Valentine Seane o kopile balatedi ba kereke eo mo Kgalagadi Borwa ggo rapela ka thapelo e le yone makgonatshotlhe mo tharabololong ya dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo botshelong. Bishop Seane o buile se mo pulong semmuso ya lefelo la Grotto le tlhomamiso ya barongwa ba ga Keresete mo kerekeng ya Kreste Motswedi Catholic e e itsegeng ka leina la Roma ka Tshipi mo Tsabong. Moeteledipele wa kereke ya Keresete Motswedi o supile fa lefelo leo le tshwanetse go tlotlwa thata le gore balatetedi ba kereke eo ba tshwanetse go le obamela le go le dirisa ka tlotlo e e kwa godimo ka dinako tsotlhe. Fa a tlhomamisa barongwa ba ga Keresete ba ba neng ba le masome mararo le borataro ba ba neng ba sa tswa go fetsa dithuto tsa barongwa ba ga Keresete mo kerekeng eo, o ba tlhaloseditse fa e le tshimimologo ya go rongwa go dira tiro ya Modimo. O ne a ba gakolola go ikokobetsa go ineela le go direla Modimo ka pelo yotlhe le lorato ka go rera lefoko la gagwe jaaka e tlaa bo e le badisa, bagogi, bagakolodi ba basha, a kaya fa poifo Modimo e le tshimologo ya botlhale. Bishop Seane, yo o neng a etetse kereke eo a patilwe ke baruti le bosister ba kereke eo ka e ne e le letsatsi la Sabata, o ne a etelela pele tirelo ya tshipi ya letsatsi leo, go jesa selalelo, go segofatsa basupi ba tlhwatlhwa ba ga Keresete le gone go bula semmuso lefelo la Grotto. Fa a araba dikopo tse di fetileng mo kerekeng eo, moeteledipele wa kereke ya Keresete Motswedi o ne bolela fa kereke ya Makopong, Khuis le Kolonkwaneng di tlaa agelwa ditempele tse disha le gore Tsabong le Middlepits tsone di tlaa ntshafalediwa matlo a kobamelo monongwaga. Modulasetilo wa bomme ba ga Marea Mmajesu, Mme Kelelelo Tumaeletse o tlhalositse fa lefelo la Grotto le fitlhelwa fela mo kerekeng ya Keresete Motswedi mo lefatsheng leno le a a kwa ntle. Mme Tumaeletse a re ka ditso tsa kereke ya Roma, lefelo leo le tlotlwa thata ka go obamelwa Marea Mmajesu e bile ba dumela gore tsotlhe tse ba lopang fa ba fetisa dithapelo ka ene di tlaa goroga le go arajwa ke morwawe ebong Jesu Keresete. O kaile fa lefelo la teng le obamelwa, go tlotlwa le gore ga le a tshwanelwa go tsosediwa modumo. O ne a gwetlha balatedi ba kereke ya Roma go tswa mo mafelong a a farologaneng go tla go rapela mo lefelong leo nako nngwe le nngweka tsholofelo e le gore dikopo tsa bone tsotlhe di tlaa arajwa fa ba na le tumelo. Mo mafokong a gagwe a tebogo, modulasetilo wa komiti ya Pastoral Parish Council mo kerekeng eo, Rre Thato Tumaeletse o tlhalositse fa e ne ya re ka 2014 e le ba phuthego ya kereke eo ba tswa ka mogopolo wa go aga lefelo la thapelo la Grotto ka ba ne ba lemogile fa le le botlhokwa. Rre Tumaeletse o boletse fa gareng ga dikgwetlho tse ba kopaneng le tsone e ne e le letlhoko la madi, tebego ya Grotto le gore dingwe tsa didirisiwa tsa kago di ne di se yo mo madirelong a dikago mo Botswana mme ba patelesega go di latela kwa ntle. O ne a leboga phuthego ya kereke eo ka boithaopo le lorato jo ba neng ba bo supile ka go koleka didirisiwa mo kagong eo gareng ga tse dingwe e leng dikgetsana tsa semente, ditena, le matlapa. Rre Tumaeletse o ne a phophotha legetla mongwe wa maloko mo kerekeng eo yo o neng a ithaopa go ntsha mpho ya sehikantswe sa ga Mme Marea Mma Jesu se e leng sone se tlotlomatsang le go kgatlhisa mo kagong ya Grotto se a tlhalositseng fa a se rekile kwa India. Rre Tumaeletse o ne a kaya tiro e kgolo ya komiti e a e eteletseng pele e le go buisana ka ditlhabololo tse di tshwanetseng go dirwa mo kerekeng, go phutha le tlhokomelo ya madi le gone go tshereganya mo dikgannyeng dingwe tse di ka tlhagogang mo kerekeng. Mo letsating leo diphuthego tsa Romago tswa Tsabong le mafelo a a mabapi di ne tsa abela Bishop Seane dimpho tse di akaretsang dijo, dino-tsididi, le madi e le tsela ya go mo leboga. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Ba Mokobaxane ba lebogela mananeo Banni ba motse wa Kedia mo kgaolong potlana ya Boteti ba lebogela mananeo a puso, a a karetsa Ipelegeng, matlo a batlhoki ale matlhano, matlwana a boitiketso mo kgotleng a le mabedi le mananeo a mangwe a a tsweletseng a dirwa. Ba buile jalo kwa phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke Tona wa Dikgaolo Le Tlhabololo Magae yo gape eleng Mopalamente wa Boteti Bophirima Rre Slumber Tsogwane bosheng ko motseng oo, ba re motse wa bone o lesego fela thata mo dithusong . Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) Mme Changu Malindi o ne a lekodisa Tona ka dilelo tsa bone ,a re ba kopa go okeletswa diofisi tsa kgotla, a be a tlhalosa gore tse ba di dirisang gompieno di mosuke oo dirang gore tiro e kgoreletsege ka jaana,e bile go sena sephiri ,tlhaelo ya boroko ja badirelapuso,go okeletswa ga kokelwana,le koloi ya kokelwana,tlhaelo ya bodiredi , barutabana ,bokenti ,molemisi o thusa metse e meraro gape a sena koloi. Mme Malindi one gape a supa fa ba tshwenngwa ke tiego ya go arabiwa ga dikopo tsa bone tsa metsi ga koporase ya metsi Water Utilities,le metobetso e e kgakala le banni bangwe.Mongwe wa banni Rre Letsogile Ngalang o boletse fa ba sa bolo go solofeditswe gore motobetso o mongwe oo neng o tswetswe o tla bulwa mme nako kgolo e le eno. Rre Lekuetswemang Galekhutle one a ngongorega ka mophako a re ga otle ka nako ,ebile o tla o kgaogane,phaleche e tla pele mme seshabo se goroga morago . Banni ba ne gape ba supa letshwenyego la go tlhoka go thusiwa ga bana ba bana-le-bogole ,le ntswa puso e rile ba ntshiwe ka fa morago ga matlo,ba supa gore ba kopile thuso ka tsela tsotlhe mme ba sa e bona. Mogolwane wa boipelego Mme Favwrite Phumusa one a supa fa a tlaa sala morago kgang ya mophako,a tlhalosa fa maitlamo a bone, ele gore batho ba phakisiwe dijo tsa bone malatsi a supa a kgwedi e simolola. Mogolwane wa koporase ya metsi Rre Mmothi Segale o boletse fa mabaka a go diega ga go gokela metsi ele go hekeetswa ke dipalo tsa baikopedi ,le megala ya baikopedi ee sa tseneng. Tona Tsogwane o boletse fa puso e na le thulaganyo ya go ba tsisetsa metsi ,a kgothatsa ba koporase ya metsi go ema ka dinao go diragatsa thulaganyo e .Ka tlhaelo ya boroko ja badirelapuso o kaile fa kompone ya matlo e solofeditse go aga matlo a badirelapuso. Tona one a ba itsise gore maikaelelo ke gore lenaneo la koloi ele nngwe motse le motse le akarediwe mo kabong ya madi ee tlang,le gore dilelo tsa bone ga difelele gone foo,a re tse disa rarabololweng ke maphata o tlaa di fitisetsa ko go ba ba lebaneng. Tona o ne a kgothatsa batsadi go kopanela thuto ya bana le barutabana , ba tsene diphuthego tsa batsadi le barutabana ,le go etela ko sekole go bona tiro tsa sekole tsa bana ba bone . E rile a fa malebo Mokhanselara wa kgaolo ya Mokoboxane Kedia Rre Orapeleng Dikgang a leboga tona go bo a ba lekotse, go tla go ba lekodisa ka tsa Palamente ee fitileng, go ba amogela le bone ba mo amogela mo kgaolong e ncha le ngwaga o mosha . BOKHUTLO society 9 Seloma o bolokilwe Mothusa tona wa pele, Rre Pelokgale Seloma o bolokilwe kwa Pilikwe ka Tshipi. Rre Seloma e ne gape a kile a nna mopalamente wa Tswapong Borwa le go nna moemedi wa lefatshe leno kwa mafatsheng a mangwe. Bo tautona ba pele, Rre Festus Mogae le Sir Ketumile Masire, motsamaisa dipuisano tsa palamente wa pele, Rre Ray Molomo, le motshwarelele bogosi jwa ga mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane, ba ne bale fa gare ga matshwititshiti a a neng a tsile go robatsa Rre Seloma. Dibu di tlhalositse fa Rre Seloma a ne a rata batho, a le maitseo, boineelo e bile a na le lerato la go direla batho jaaka ane a supa ka nako e aneng ele moemedi wa Tswapong Borwa. Rre Kagiso Seloma o ne a tlhalosa fa a rraagwe a ikhuditse mo dithabing. O ne a supa fa tumelo ya ga rraagwe e le yone e neng ka nako tsotlhe e mothusa go emelana le ditlhabi tse dineng di galaka, le gore bolwetse botsere lebaka le leleele. Moswi Seloma e ne ele seopedi, ebile ele lepolotiki la motia, seo se sa mo lebatse se gabone, morero, therisana le tlotlo mo batsalwa le ene le mo go mongwe le mongwe yo oneng a dira le ene. Moswi ene ele seithati, setswerere sa puo le kapari, ke sone se seneng sa dira gore lefatshe leno le morome gongwe le gongwe le sena poifo. Kgosi Tiro Sebusang one a mo gakologelwa ka ditiro tsa gagwe a supa fa ene yare ka nako e aneng a neetswe maemo a bothusa tona mo lephateng la temo thuo, gone ga tlhagoga bolwe ja tlhako le molomo kwa borwa mme a rongwe go ya go buwa le batsadi, ka gotswe bonolo boreba bogale, batsadi bakokobela morago ga go buwa le bone ka bonolo jo mongwe le mongwe aneng a mokaa ka jone. Mogwegadi, Rre Peter Molosi one a kaya fa Rre Seloma e ne ele motho yoo o ratang batho thata, mme a supa ka gore ka nako ya ene Rre Molosi a santse ale mo lephateng la thuto, ba ne ba seke ba ngongoregela tiego ya dibuka, ka nako eo one are mo go ba barekisang dibuka,be direkisetse lephata la thuto. Ene ele motho yo osa itebelelelng boene ja gagqwe ka ane a ikaegile that aka modimo, mme ele ruri a direle setshaba ka botswapelo. Maemo a a neg ale mogo ene one a sa ikgogomose, one a a dibetse ka setho sa gagwe. Mo boemong ja puso gone gole teng Tona wa Dikgaolo le Thabololo Magae Rre Slumber Tsogwane, yo le ene aneng a iteela kobo moroko ka botho jaga Rre Seloma gore ene yare go gorogeng kwa Palamenteng, ba gorosiwa ke bobegadikgang ka mafoko a a reng “Shooting from the hip” mme ene moswi a ba amogela ka lerato le le seng kana ka sepe le go ba godisa mo dipolotoking. Rre Tsogwane are ene ele mogakolodi mo dipuisanong tsa palamente, ele mokaedi, seo sa tisa trshepho e tona mo go bo tautona ba nako eo gore ba morome kwa aneng ale teng pele a thokafala. Mo boemong jaga Tautone Moplamente wa kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami Dorcus Makgato one a bala molaetsa o oneng otswa kwa go Tautona wa Lefatshe leno gore ele ruri balatlgetswe ke senatla, , mme wa tlhalosa fa a tlogetse motlhala mo godireleng setshaba ka boineelo, lerato le bonolo, ana le mowa wa neelano le wa tlotlo. BOKHUTLO society 9 ESP e tlaa thusa go tlhabolola matshelo Mopalamente wa Molepolole Borwa, Dr Tlamelo Mmatli, a re lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP le diretswe go tswakanya itsholelo le go tlhabolola matshelo a Batswana. Rre Mmatli, yo a neng a bua mo phuthegong ya kgotla kwa kgaolwaneng ya Lephaleng kwa Molepolole, a re batho ba tshwanetse ba tsaya lenaneo leo ka tlhwaafalo ka jaana le tsile go tlhabolola matshelo a bone. A re dingwe tsa ditiro tse di tlaa dirwang ka lenaneo leo ke go itebaganya le temo-thuo, tlhaelo ya dikago tsa matlo a borutelo le matlo a boroko a barutabana, go tlhama ditiro le tse dingwe, a re tsholofelo ke gore beng gae ba nne le seabe mo lenaneong leo. Mo dikgannyeng tse dingwe, mopalamente o ne a tlhalosa fa go dirwa ga mesele ya kgopho ya metsi a a leswe kwa Molepolole mo go neng go solofetswe, jaanong go emisitswe gore e rulaganngwe sesha. A re Molepolole ke motse o motona o o tshwanetseng ke go bo o na le madirelo a matona mme sekgoreletsi se se busetsang ditlhabololo kwa morago ke mesele ya metsi a a leswe. Lefa gontse jalo o kopile banni go nna pelo telele ka gotwe tsholofelo ga e tlhabise ditlhong. Mo dikakgelong tsa bone, banni ba Lephaleng ba kopile mopalamente wa bone go emela motse ka dinao gore le one fela jaaka metse e mengwe e metona o sole molemo lenaneo la ESP. Mongwe wa banana, Lucky Ditue ene o kopile gore makalana a CEDA le LEA a phuthe banana go ba ruta ka ditirelo tsa makalana a bone ka jaana banana ba saletse kwa morago ka go dirisa mananeo ka bontsi ka ntata ya tlhaela kitso ya go itshimololela dikgwebo. Ba bamgwe ba tlhalositse fa lephata la bong le solegela molemo fela bomme fa go tla mo go thuseng batho ka mananeo, fa borre bone le ba iteela kwa ntle. Mme Owageng Senoge ene o kopile puso go tsaya tsiya komiti e e tlhokomelelang balwetse kwa malwapeng ka go ba neela dikatso fela jaaka dikomiti tse dingwe tsa motse. A re ka boithaopo ja bone ba dira tiro e tona fela ya go tsamaya mo malwapeng ba lekola balwetse le go tlhomamisa gore ba bona tsotlhe tse ba di tlhokang. A re lemme le ba le neelwang la mosepele wa go tsamaya mo malapeng le tla morago ga dikgwedi tse tlhano. society 9 Lekalana la thuto le akgotswe Lekalana la thuto ga e golelwe mo Ghanzi le akgoletswe go fa Batswana thuto ka botswerere le bonokopila. Se, se builwe ke moemedi wa lekalana la LEA mo Ghanzi Rre Mogotsi Morewanare ka Laboraro kwa moletlong wa go ipelela beke ya go bala le go kwala. Rre Morewanare o ne a gakolola baithuti gore e re fa ba ipelela beke ya go bala le go kwala, ba gakologelwe gore go ithuta ga se go bala le go kwala fela. A re mo bogompienong, go ithuta go tswakanya dithuto jaaka go dirisa maranyane a segompieno mme maikalelo e le go aga bokamoso jo bo botoka. Rre Morewanare o tsweletse ka gore dithuto tse di tlwaelesegileng e le tsa go bala le go kwala di tshwanetse tsa nonotsha baithuti go emela dikgwetlho, ditlhabololo le diphetogo tse di tlang le isago. A re se, se ka thusa thata go aga baithuti ditlhaloganyo gore ba seka ba palelwa ke sepe fela se sesha mo isagong. Beke ya go ipelela go bala le go kwala e ne e ketekwa ka setlhogo se se reng “ Go Dirisa Se re se Ithutileng go Betla Bokamoso.” Rre Morewanare o ne a gatelela fa setlhogo se se supa gore go mosola gore batho ba tshele ka go gola mo dikitsong le go nonotsha tlhalefo ya bone. O ne gape a re moletlo wa go ipelela go kwala le go bala ke phitlhelelo gape mo lefatsheng la Botswana e bile e le sengwe se se tshwanetseng sa akgolwa. O ne a tlhalosa gore lekalana la Thuto ga e golelwe jaaka maikaelelo a lone e le go emelelana le dikgwetlho tsa metlha ya sesha le tshwanetswe la akgolelwa tiro e ntle ya lone. A re dikgwetlho jaaka lehuma, tiriso botlhaswa ya bana le go tswa mo dikoleng ga bana; ke tsone tse di rotloetsang lekalana la Thuto ga e golelwe go naya ba ba sa atlegang mo dithutong tsa bone mo dikoleng dingwe tsa dithuto tse ba ka itshetsang ka tsone. Dithuto tse di tshwanang le go tlhotlheletsa kitso ka kgwebo gore Batswana ba kgone ba ikinole mo lehumeng, dithuto tse di neelang baithuti sebaka sa go fetsa dithuto tsa bosupa le tse dingwe. Rre Morewanare a re thuto mo metlheng ya gompieno e botlhokwa fela thata ka gore ga go motlhofo go fitlhelela sepe kwa ntle ga yone. A tlhalosa gore thuto ke tshwanelo ya mongwe le mongwe mme a re e rotloetsa boleng jwa batho e bile e fokotsa dipharologano fa gare ga batho. A re ka thuto batho ba kgona go aga le go tshegetsa setso mme ba amogele gore ba ka kgona go tshedisana sentle go sena diphapaang le ntswa ba farologana ka setso le ngwao. education 4 Ba kopilwe go direla bana Omang Banni ba kgotla ya Magapatona kwa Tutume ba kopilwe go kwadisa bana ba bone go nna le Omang fa dingwaga tsa bone di setse di letla gore ba ka tsaya Omang. Fa a buisa phuthego kwa kgotleng, Kgosi Mpelo Magapatona o tlhalositse fa batsadi ka bontsi ba santse ba saletse kwa morago mo go kwadisetseng bana go tsaya Omang. O supile fa bana ka bontsi ba sena Omang ntswa dingwaga tsa bone di letla gore ba ka bo ba tsere Omang. A re o leka ka thata go bua le batsadi fa ba tsile diphuthegong go isa bana go dira Omang mme seemo ga se tokafale. A re batho ba tshwanetse go itse fa Omang ele selo se se botlhokwa fela thata ka a dirisiwa gore motho a kgone go bona dithuso tsa puso. O supile fa bontsi jwa banana ba sa bone dithuso tsa puso ka ba sena Omang mme se se dire gore ba nne fela mo malwapeng ba sa tokafatse matshelo a bone. Kgosi o tlhalositse fa e le tshwanelo ya ngwana monwe le mongwe go direlwa Omang fa a le dingwaga di le lesome le borataro mme a tla duedisiwa fa a tla go ikwadisetsa Omang morago. O boletse fa banana ba tirelo setshaba kwa ofising ya ikwadisetso Omang, matsalo le dintsho, ba tla a ruta ka botlhokwa jwa go nna le Omang mme a solofela fa se se tla tokafatsa seemo sa go sa ikwadisetsa Omang mo motseng. Mo go tse dingwe o boletse fa bogodu bo ile magoletsa mo motseng. O kopile banni go bereka le mapodise sentle gore ba kgone go tshwara magodu a a tlhorontshang batho, ba ba amoga di tsa bone. O boletse fa bogodu jo bontsi bo dirwa ke batswakwa ba ba thapiwang ke Batswana kwa masimong mme a supa fa go na le banana bangwe ba motse ba ba inaakantseng le bogodu ka ba sa batle go bereka. A re lenaneo la ntebele ke go lebele ke lone le le ka thusang go fokotsa dipalo tsa bogodu mo motseng. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Lwantshang kgokgontsho - Kgosi Puleng Mothusa kgosi wa motse wa Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng, o kopile dikgosi tsa kgaolo ya Letlhakeng go lwantsha kgokgontsho ya bong e e kekelang mo kgaolong ya bone. O buile jaana kwa thuto- puisanyong ya kgokgontsho ya bomme le bana kwa Letlhakeng ka Labobedi, e e neng e rulagantswe ke ba ofisi ya Bong. Kgosi Puleng o supile fa melato ya kgokgontsho e bonala e oketsegile, a re se se dirwa ke gore mo malatsing a gompieno setshaba se tlalea badiramelato. A re dikgang tse di ne di ntse di le teng, fela di ne di sa begwe. A re setshaba jaanong go lebega se tsiboga, mme se se supa fa ba utlwa se ba neng ba se rutilweng ka kgokgontsho. A re melato e e tlaa tswelela e gola mme fa e fokotsega, ba tlaa bo ba itse fa jaanong batho ba rutegile. Mogolwane wa ofisi ya Bong kwa Molepolole Mme Gorata Ntshwabi o ne a supa fa kgang ya kgokgontsho ya bong e ama mongwe le mongwe, ke sone se dithuto di tshwarwang lefatshe ka bophara. O tlhalositse fa malatsi a a lesome le borataro a go lwantsha kgokgontsho ya bomme le bana a simolotse Ngwanatsele a le masome mabedi le botlhano go fitlhelela Sedimonthole a le lesome. Mme Ntshwabi o tlhalositse fa ba itebagantse le kgokgontsho ya ba-na-le bogole ka jaana le bone ba betelelwa, a bo a tlhalosa fa ba kgona go ima ba sa itse mong wa mpa. O supile fa ba tshwere thuto- puisanyo e le dikgosi ka jaana ba kopana le dikgang tsa mofuta o thata kwa tirong ya bone. O ne a tlhalosa fa tekatekano ya bong e le kgang ya morero mme e se go tseela borre dithata mo malwapeng jaaka bangwe ba akanya. Mme Ntshwabi o tlhalositse gore ntswa bomme ba kgokgontshiwa thata, borre le bone ba a kgokgontshiwa mme ka dipalo tse di kwa tlase. O supile fa borre ba na le boboi jwa go bega kgokgontsho ka jaana ba re ba jewa setshego fa ba leka go ikuelaa, a bo a supa fa mapodisi a tokafaditse ditirelo tsa bone ka go amogela dikgang tsa kgokgontsho mo lefelong le le faphegileng ba sa tseise dikgang phefo gore baikuedi ba tle ba phuthologe. O tlhalositse fa bomme ba amogelwa ke bomme kwa sepodising fa ba tlalea dikgang tsa kgokgontsho, fa borre le bone ba amogelwa ke borre. Mme Ntshwabi o tlhalositse fa batho botlhe ba tshwanetse go amogela gore kgokgonthso e teng ba bo ba itse fa e le tiro ya mongwe le mongwe go lwantsha kgokgontsho ya bong. Inpector Setlalepula Kelekwe o ne a supa fa kgokgontsho e godile thata mo kgaolong ya Letlhakeng, a supa fa melato e mentsi e diragala mo bananeng ba dingwaga tse di lesome le boferabongwe go ya kwa go tse di masome mabedi le botlhano. O supile fa melato ya go tshosetsa go bolaya e ne e le mebedi ka 2018 fa monongwaga e setse e roba bobedi mo bogompienong. Molato wa go thubetsa le go leka go thubetsa o godile go tswa kwa go e meraro ka 2018 fa monongwaga e setse e le lesome le borataro. Inspector Kelekwe o supile fa molato wa go thubetsa bana e le mene monongwaga, fa o dikile o le mongwefela ngogola. Fa a tsibogela kgang e, kgosi Benjamin Bogosi wa Khudumelapye o ne a supa fa e se la ntlha ba tshwarelwa pitso e, mme a ngongorega gore dikgosi tsa motse wa Letlhakeng di nna di seyo, a bo a kopa gore nako e e tlang di bidiwe le tsone di tle go itseela ka tsebe. Kgosi Bogosi o kopile gore go nne le pitso e e akaretsang botlhe gore ba tle ba atolose kgang e ba le mmogo e le borre, bomme le bana crime_law_and_justice 1 Ba ikemiseditse go tlhabolola polase ya morafe Motlhokomedi wa polase e e tshwaraganetsweng ke puso le morafe wa Inalegolo le Phuduhudu, Rre Tsatsa Disane a re ba dirile maiteko a a tsepameng go tlhabolola polase eo. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, Rre Disane a re polase e e tswa kgakala e tshegeditse matshelo a banni ba metse e ka bobedi, ka jalo a re ba bonye go le maleba e le khuduthamaga ya polase e go tokafatsa ditsamaiso le tebego ya yone. O supile fa nngwe ya maiteko a ba a dirileng go tlhabolola polase e, e le go tsamaya ba tlhola gangwe le gape gore a terata e sa ntse e le mo seemong se se siameng. A re fa ba ka lemoga gore terata e ole ba tsiboga ka pela ka go e tsosa le go e bofa. O tshwaile fa ba le mo dithulaganyong tsa go reka ditonki di le tharo, sekotsekara le dipitsi di le nne. A re ba tlaa dirisa dipitsi tse go fefosa metsamao ya go tlhodumela tse di sa siamang mo polaseng. O kaile fa ditonki tsone di tlaa dirisediwa go goga sekotsekara, mme fa go ka diragala gore ba kopane le seruiwa sengwe se se bokoa mo nageng, ba kgone go se laisa ka pela gore se ye go bona thuso e e lolameng ko go tshwanetseng teng. A re ba setse ba segile tema ka ba kgonne go tsaya dipampiri tsa theko ya dipitse, ditonki le sekotsekara ko barekising ba tsone. Fa a tswelela, o ne a tlhalosa tse ba setseng ba di dirile, a re ba butse tsa peelo ya madi ko bankeng ya Gaborone e bile ba setse ba bolokile madi a a ka tshwarang dikete tse di lekgolo le masome a mararo le borataro tsa dipula. A re mo maitekong a go tlhabolola dithuto le botsipa jwa khuduthamaga ba nna ba nna ba tsaya malebela ko dipolaseng tse dingwe le go tsenelela dithuto seka dipuisano ka tsa temo-thuo mo mafelong a a farologanyeng. A re ngogola ba ne ba tsenye dithuto ko sekoleng se segolwane sa temo-thuo ko Sebele mme ba dikile ba anywile thuto e e tseneletseng ka go tsamaisa polase. A re ba ithutile gore fa o batla go somarela mahudiso o tshwanetse go aga masaka a le mantsi. Rre Disane a re fa go tla nako ya leuba ba fudusetsa diruiwa ko lesakeng le le nang le phulo e e botoka. A re thulaganyo e e fa lesaka le le dirisitsweng sebaka sa gore le tlhoge bojang gape. “Go thaiweng ga polase e ga re ise re atswiwe ka sepe mme se ga se a re nyemisa moko ka re tshwere ka mowa wa boithaopo go etelela dikeletso tsa setshaba ko pele,’’ Rre Disane a bolela. Le fa go ntse jalo, Rre Disane a re go na le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo polaseng. A re nngwe ya dikgwetlho tse ditona ke go jelwa leruo ke dibatana tse di tshwanang le ditau, bo nkwe le bophiri. A re mo maitekong a go hema seemo se, ba tshwaraganye le ba lephata la diphologolo le bojanala. BOPA society 9 Mzwinila o kopile banana go tswa ka megopolo Banana ba Mmadinare, Sefhophe, Tobane, Robelela, Damochojenaa le Tshokwe kwa kgaolong ya Mmadinare ba kopilwe go tswa ka megopolo e ba bonang e ka tokafatsa mananeo a ba a neelwang. Mopalamente wa Mmadinare e bile e le mothusa tona wa lephata la banana le ngwao, Rre Kefentse Mzwinila o buile jaana kwa moletlong o o neng o ngokile banana ba metse eo kwa Mmadinare ka Labobedi. Rre Mzwinila o tlhalositse fa go le botlhokwa go nna ba kopana le banana go utlwa megopolo ya bone ka fa ba bonang dilo di ka dirwa botoka ka teng gore ba kgone go akola maduo a mananeo a puso. A re letlhoko la ditiro le amile thata banana ka e bile e le bone ba bantsi ka dipalo. Rre Mzwinila a re go lemoga seo, puso ga e a ka ya itlhokomolosa mme e ne ya tswa ka mananeo a a lebaneng banana le fa bangwe ba sa a tsee ka tlhwoafalo. A re bangwe banana ba tsweletse sentle mo dikgwebong e bile ba setse ba duetse bontlha bongwe jwa madi a ba neng ba thusiwa ka one mme seo se tlaa thusa gore ba ba iseng ba bone thuso ba kgone go thusiwa. Rre Mzwinila o ne a supa fa Mme Naledi Sobeya wa Bobonong yo e leng mongwe wa banana ba ba thusitsweng ka lenaneo la banana ka 2012 a kgonne go simolola kgwebo ya go loga moriri mme a tsweletse sentle e bile a setse a busitse madi a a neng a tshwanetse go a busa. Rre Amantle Kasha yo o neng a bua mo boemong jwa banana ba Mmadinare, o supile fa ofisi ya banana e tsaya nako go fetola dikopo mo ba felelang ba latlhegelwa ke tshepho mo go se ba eletsang go se dira mme a kopa gore seo se tsibogelwe. Rre Moesi Mosinyi, monana go tswa kwa Damuchujenaa a re ba na le keletso ya go tlhabolola metse ya bone mme ba palediswa ke lobaka lo loleele lo lo tsewang ke lephata la ditsha go ba abela ditsha. Rre Mosinyi a re gore monana a bone thuso kwa ofising ya banana fa a batla go simolola kgwebo, o tshwanetse go bo a na le lefelo le a direlang mo go lone. A re selo se se felela se ba kgoba marapo. society 9 Go reketla ga matlo a bogosi go tlhokisa ledula Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa kotsi e mo go yone monna mongwe a neng a bona dikgobalo tse di masisi kwa Makuta mo tseleng ya Tutume/Francistown bosheng. Mogolwane wa mapodisi a pharakano kwa Tutume, Assistant Superintendent Amos Kurusa, o boletse fa monna yoo, wa dingwaga tse di masome mararo le bosupa a ne a latlhegelwa ke taolo ya koloi mme a thula setlhare beke ee fetileng. Rre Kurusa a re monna yo o ne a tsamaya ka koloi ya modiro wa Nissan. A re le ntswa kotsi e, e diragetse gaufi le metse e e bapileng le tsela, ga go ope yo o boneng tiragalo eo, kwa ntle ga bafeti le tsela ba ba neng ba itsese mapodisi. O tlhalositse fa go belaesega fa koloi e, e ne e le mo lebelong le le kwa godimo mme mokgweetsi a latlhegelwa ke taolo ya fapoga mo tseleng ya thula setlhare. A re mokgweetsi yoo, o tlholega kwa kgotleng ya Magapatona mo Tutume. O tlhalositse fa a ne a ragogedisiwa kwa kokelong ya Nyangabwe kwa a robaditsweng teng, fa ditlhotlhomiso tsa maposidi di tsweletse. Rre Kurusa o kopile bakgweetsi go kgweetsa ba itekanetse, le gore ba iphe sebaka sa go ikhutsa fa ba lapile, ka letsapa le ka dira gore mokgweetsi a latlhegelwe ke taolo ya koloi. BOKHUTLO politics 7 Setlhopha sa Maswailathota se supa botswerere E re le ntswa mo nakong ya gompieno ngwao e setse e nyelela ka bonya ka bonya, mabutswapele mangwe one a santse a e tshegeditse. Rre Tuelo Mmereki yo o dingwaga di masome marataro le botlhano ke mongwe wa mabutswapele ba ba santseng ba tshwere ngwao ya go suga le go sega matlalo. Rre Mmereki o tlhalositse mo potsolotsong fa a sa le a rutilwe go suga matlalo a sa le monnye ke Rraagwe bogologolo mme a tsaya thuto eo ka tlhoafalo ka a ne a bona e ka mo tswela mosola mo isagong. O tlhalositse fa tiro ya go suga matlalo e le ntsi. Are kwa tshimologong pele ga letlalo le ka dirisiwa le simolola ka go bodisiwa mme le bewe malatsi a mantsi pele ga le ka tsena mo tirisong. Rre Mmereki o tlhalosa fa letlalo le segelelwa go dira dikgole tse di telele tse e reng morago a bo a di thathelela mo legonnyeng a bo a di tshophelela mo setlhareng gore a simolole go di suga ntse a dikologa setlhare. Rre Mmereki o ne a tlhalosa fa dikgole di sugwa ka go di tshopharaganya mme go tswa foo di dirisiwa kwa morakeng go katloa dikgomo. Rre Mmereki o boletse fa pele a ne a itshetsa ka go roka ditlhako le go suga matlalo a dira ditweega mme e re morago a a rekise. O ne a tlhalosa tiro ya diatla ya go suga matlalo e ne e le kgwebo e e neng e mo fa dipoelo tse di nametsang ka a ne a na le bareki ba le bantsi. O tlhalositse fa a ne a ya go ithutela go suga matlalo kwa Molepolole ka 1984 go fitlha ka 1993. O tlhalositse fa e ne ya re ka 1993 a ntse a le kwa Molepolole a bo a fetisediwa kwa Lobu ke puso go ya go ikoketsa dithuto. A re kwa Lobu o ne a ithutela go suga matlalo a dirisa metswako ya dichefi ka pele a ne a dirisa setlhare sa mositsane. Rre Mmereki o tlhalositse fa go boeleng mo gae mo Tsabong a itemogela fa metswako ya dichefi e ne e sa siama mme a boela kwa ngwaong e a e ithutileng ya go dirisa setlhatshana sa mositsane. Rre Mmereki o tlhalositse fa a ne a emisa go suga matlao a dira dikgole ka 2016 ka mabaka a botsogo. O boletse fa a ne a isiwa bongakeng kwa Princess Marina le kwa Afrika Borwa mme kwa phelelong ba bongaka ba mo laela go tlogela go suga matlalo, tiro e a supileng fa a ne a e rata bobe. O tlhalositse fa a ne a leka go ngokela bontsi jwa batho mo tirong ya go bereka ka matlalo a ba fa thuto ya mahala mme ga seka ga nna le ope yo o supang kgatlhego ya go ithuta gotlhelele. O supile fa mo nakong ya gompieno a na le botsogo jo bo botoka mme a tsere tshwetso ya go ya kwa Zimbabwe go ya go ithutela go dira ditlhako ka letlalo e seng go suga matlalo jaaka pele. O kaile fa a ne a gwetlhwa ke tsala nngwe ya gagwe ya mo-Zimbabwe yo o neng a nna a reka matlalo a a sugilweng mo go ene a bolela fa a ya go a dirisa go dira ditlhako kwa Zimbabwe. O boletse fa a lekile makalana a madi go mo thusa mme ba supa fa dingwaga di sa letle. O ne a tlatsa ka go kgothatsa banana go inaakanya le mananeo a puso a ditiro tsa diatla go tlhamela ba bangwe ditiro le gone go tokofatsa matshelo a bone e seng go baya morwalo otlhe fela mo pusong ka go na le letlhoko le lentsi la ditiro. arts_culture_entertainment_and_media 0 Go kgaolwa ga metsi go letsa Ditshegwane Banni ba Ditshegwane mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng ba ngongoregetse go kgaolwa ga metsi ke koporase ya metsi ya Water Utilities Corporation ntle le therisano. E rile fa ba bua mo potsolotsong bosheng morago ga gore motse oo o tlhoke metsi letsatsi lotlhe, mongwe wa ba ba kgaoletsweng metsi, Mme Ditebatso Kopore a tlhalosa fa a kgaoletswe metsi ntswa a sa kolote. Mme Kopore o tlhalositse fa a sa itumelele tsamaiso e e dirwang ke ba koporase eo ya metsi ka go lebega ba sena therisano ka ba sa kgone go buisanya le bone. Mme Tshoganetso Nkgoko ene o ne a tlhalosa fa bodiredi jwa koporase eo bo se pelotlhomogi ka jaana ba tswaletse mmaagwe pompo ntswa e le mo-n-a-le bogole. A re ba dirile jaana ntle le go bua le ene ntswa e le ene a duelelang mmaagwe. E rile a tswa la gagwe Kgosi Stephen Morwaanare wa Ditshegwane, a supa fa a swabile nko go feta molomo ka se se dirwang ke koporase ya metsi ka e sena therisanyo le bogogi jwa motse. O supile fa kgaolo ya metsi ya bosheng e amile dikgwebo tsa morafe ka bangwe ba foroma ditena ka jalo se se baka ditshenyegelo tse di sa tlhokafaleng e bile se humanegisa batho. O kaile fa ditsha tse disha di ise di tsenngwe metsi ka jalo a kopa gore beng ba tsone ba thusiwe ka ba tsaya metsi kgakala. Kgosi Morwaanare o kaile fa metsi a dirisiwa kwa maphateng a puso ka go farologana jaaka kwa dikokelwaneng le dikole, mme a re go a kgaola go sena morero go tsisa kgoreletsego mo ditirong tsa letsatsi le letsatsi tsa maphata ao. O ne a kopa gore badiri ba koporase ba dirasanye le bone ka go ba neela maina a batho ba ba kolotang gore ba ba tswe tema ka go leka go ba rotloetsa go duela pele ga go ka tsewa tshwetso ya go kgaola. Mogolwane wa ofisi ya koporase ya metsi kwa Letlhakeng, yo o lebaganyeng le tsa badirisi ba metsi, Rre Obonanye Maje o supile fa ba kgaotse metsi kwa motseng oo ka banni ba ikgatholosa go duela ka lebaka le ba le dumalanyeng kwa tshimologong ya ditirisanyo tsa bone la dikgwedi tse tharo. O tsweletse ka go supa fa bontsi jwa badirisi ba metsi ba ikidibatsa go fitlhelela ba nna le melala e e kwa godimo e ba palelwang ke go e duela. Rre Maje o supile fa dikgwetlho tse dingwe tse ba kopanang le tsone e le tshenyo ya dipompo tsa mo motsing ka go tsewa dibetiri tsa tsone. A re go nosiwa ga leruo mo motseng go atile ka go thubiwa dimmithara gore leruo le nwe, mme o supile fa dipompo tse di duelelwang kwa pele di sa bereke ntateng ya tshenyo e. O kopile bogogi jwa motse go ikopanya le ofisi ya bone go bona gore tsela pedi ba tsaya efe. society 9 Go jesa loruo go ka busetsa morui Morui wa Tati Siding, Rre Parkie Pius a re go jesa loruo ke nngwe ntlha ya botlhokwa go le tlhokomela. Mo potsolotsong, morui yoo, yo e leng mongwe wa barui ba popota, o tlhalositse fa go jesa loruo go thusa thata gore ka dinako tsa leuba loruo le bo le le mo seemong sa go ka kgona go itepatepanya le manokonoko a leuba. A re mo dinakong tseno, phulo e boutsana mo nageng ka jaana dipula di le boutsana, mme ke gone ka moo a neng a gakolola barui ka ene go sa ikaege fela ka phulo ya naga mme ba lemoge botlhokwa ja go jesa leruo la bone dijo tsa dikotla. “Fa go le leuba mo nageng loruo ga lo kgore sentle mme seo e be e nna kgwetlho, segolo bogolo le le namagadi ka jaana ka dinako tsa gore di tsale di nna le kgonagalo ya gore di ka phuphama mme seo se bake tatlhegelo ya loruo,” a bua jalo. Rre Pius o ne a tlhalosa fa go jesa loruo dijo tsa dikotla, go lo thusa gore le seka la tshabelelwa ke malwetse. A re go jesa loruo go dira gore lo tlwaele lesaka mme ka jalo le seke le saile mo sekgweng mo go leng borai go ka utswiwa ke magotswana a leruo kgotsa go ka tlhaselwa ke dibatana. Rre Pius o ne a leboga puso ka lenaneo la ISPAAD, a re ka lone ba kgona go lemela loruo dijo tse di akaretsang Lab-Lab. O gwetlhile barui ka ene go akola lenaneo le, a re gape ba ka le dirisa bontlha jo bongwe go ka itshimolela dikgwebo tsa go lema ba rekisa bontlha jo bongwe jwa thobo ya dijo tsa loruo, mme kgabagare ba kgone go thiba fa go tlhokegang teng. “Ka madi a kgwebo ya bontlha bongwe jwa thobo ya loruo morui o ka kgona go reka ditsompelo tsa loruo tse di tlhokegang jaaka tipi, manyena ga mmogo le melemo,” a tlhagisa jalo. O ne a kopa Batswana ka kakaretso go tswelela ba tsaya temo-thuo ka tlhoafalo, a bolela fa go tsweng Goo-Lowe temo-thuo e ne e le seikokotlelo sa bone. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Bogodu jwa leruo bo ile magoletsa Mookamela mapodisi a Takatokwane mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng Superintendent Ocean Maraganyane o supile fa kgaolo ya Kweneng e le nngwe ya dikgaolo tse di amilweng bobe ke bogodu jwa leruo. E rile a bua mo potsolosong bosheng, Superintendent Maraganyane o supile fa ba tshwentswe ke dipalo tse di golang ngwaga le ngwaga tsa bogodu jwa leruo mo kgaolong ya bone, a re mo ngwageng o o fetileng go utswilwe dikgomo di feta masome a matlhano mo dikgannyeng tse di farologanang. A re monongwaga ba setse ba gatisitse dikgang tse tlhano tsa bogodu jwa dikgomo mme a re ditiragalo tse di diragala thata kwa merakeng ya metse ya Motokwe, Mahotshwane le Takatokwane. A re gole gantsi magodu a a utswa leruo a bo a le fudusetsa kwa merakeng e sele e e kgakala e le ka tirisano le ba bangwe go timetsa bosupi Superintendent Maraganyane o ne a tswelela a supa fa malatsi ano magodu a aga masaka mo sekgweng a bo a kokotleletsa teng mme a rekisetse bagwebi ba madirelo a dinama. O tlhalositse fa e rile mo kgweding e e fetileng ba ne ba tshwara banna bangwe ba le babedi go bapa le moraka wa Masankaneng ka nama ya dikgomo tse pedi tse go belaelwang e le tsa bogodu ka ba ne ba latlhile matlalo a tsone. A re kgang ya teng e setse e le fa pele ga lekgotla la ditsheko. Le fa go ntse jalo Superintendent Maraganyane o tlhalositse fa tirisanyo ya bone le badisa e le e ntle ka e bile e le bone ba itseng leruo sentle, mme a re fa go ka tswelela go ntse jalo ntwa kgatlhanong le bogodu ja leruo e ka fenngwa. O supile fa gantsi batho ba ba amegang mo bogodung ja leruo e le ba dingwaga tse di masome a mabedi le boferabongwe go ya ko go masome a mararo le botlhano, mme a re mo leruong gantsi go utswiwa dikgomo ka e le tsone di leng bogadi bo gaufi. Go sale foo Superintendent Maraganyane o ne a ikuela mo balemi-baruing go nna le maikarabelo a go tlhokomela leruo la bone le gone go le tlamela ka dinako tsotlhe gore le seka la anama le naga, a tswelela a gakolola barui go duela badisa ka nako le gone go nna ba etela meraka ya bone kgapetsa-kgapetsa go ya go lekola leruo le gone go itsa go rwesa badisa mekgoleo ba le nosi. O ne gape a ba gakolola go tshuba marole a bone pele ga baa ntsha mo masakeng ka go le gantsi magodu a kgaoganya marole a a sa tshubiwang le bommaao mme ba ye go a tshuba ka ditshipi tsa bone. Mo go tse dingwe Superintendent Maraganyane o supile fa ba tshwenngwa ke dipalo tse dintsi tsa dipetelelo le tlhakanelo dikobo ya bana ba dingwaga tse di kwa tlase mme a re ditiragalo tse go le gantsi di diragala kwa merakeng. Superintendent Maraganyane a re go supagetse fa gantsi badiramelato e le bakapelo ba pele ba ba abong ba ise ba amogele seemo sa gore ba tlhadilwe. O supile fa seemo se se baka le dikgang tsa matshosetsi a dipolao ka le tsone di tsholetsega ka mmetela. O ne a ikuela mo batsading go gakolola bana ba bone go iphapha mo go tsamaeng masigo ba le nosi mme a supa fa ba ete ba tshware diphuthego go ruta banni ka bodiphatsa jwa go tlhakanela dikobo le bana. BOPA crime_law_and_justice 1 Ntlo ya Dikgosi ke karolo ya botlhokwa Moemedi wa Ntlo ya Dikgosi wa kgaolo ya Letlhakeng Kgosi Itsoseng Gaoonwe a re Ntlo ya Dikgosi e na le seabe se segolo mo tsamaisong ya merero ya lefatshe le puso ya batho ka batho. A re go ntse jalo ka dikgosi di eteletse merafe pele ka jalo ba itse tsotlhe tse Batswana ba di tlhokang. O buile jaana mo potsolotsong le Kgosi Gaoonwe a re Batswana ka bontsi ba tlwaetse gore mapalamente ke bone fela ba botsang dipotso le go thusa go tla ka ditharabololo tsa go thusa Batswana, ntswa marara le bone ba na le seabe se setona mo go tseo. A re mo dingwageng tse di fetileng, o nnile le sebaka sa go botsa dipotso mabapi le botlhoki jwa maphata mangwe mo kgaolong ya gagwe mme ba ne ba thusiwa ka bonako. Kgosi a re se ke sesupo sa gore ba tsewa tsia ke boeteledipele jwa maphata a puso. Rre Gaoonwe yo e rileng bosheng a tlhophiwa go ya kwa Ntlo ya Dikgosi, o lebogela seo ka go supa fa marara a kgaolo eo a mo tshepha go ka ba emela. A re o tlaa rurifatsa gore dilelo tsotlhe tsa kgaolo ya gagwe o di isa kwa Ntlo ya Dikgosi gore botlhe ba bone dithuso. Kgosi Gaoonwe a re sengwe sa dilo tse di sa mo jeseng diwelang ke gore dikgosi tsa tetlanyo ga di bolokelwe madi a bogodi gore e re ba tlogela tiro ba kgone go tshela sentle. A re ka jalo o tlaa tsenya kopo ya gore magosana ao a hirwe gore ba kgone go ipolokela ka jaana mo nakong ya gompieno ba tshela ka go atswiwa mme moo go sa lekana ka bontsi jwa bone fa ba tlogela tiro seemo sa botshelo jwa bone ga se kgatlhise. Kgosi o ne a supa gape fa kgaolo ya gagwe e aparetswe ke letlhoko la dikoloi mme mo nakong ya gompieno ba dirisa koloi e le nngwefela ya Sesung. A re dikoloi ka bontsi di eme ka di tshwanetse go ya tlhatlhobong, sebe sa phiri ke gore ga go na madi ntswa setshaba sone se tlhokana le go thusiwa. Kgosi a re e sale jaaka puso e tsaya tshwetso ya go emisa lephata la dikoloi la puso (CTO) go baakanya dikoloi ga nna bokete mo maphateng ka bontsi go isa kwa go ba ba ikemetseng ka nosi ka go le turu mme gape letlhoko la madi le le kwa godimo. politics 7 MVA e tla a tokafatsa ditlamelo Mo maitekong a go itepatepanya le dikgwetlho tsa dikotsi tsa tsela tse di yang magoletsa, ba lephata la Motor Vehicle Accident Fund ba ne ba tshwara ithutuntsho le baagi ba Bobonong go ba itsise ka ditlamelo tse ba di neelang batswa setlhabelo mo dikotsing tsa tsela. Fa a bua kwa ithutuntshong eo bosheng, leloko la khuduthamaga ya Motor Vehicle Accident Fund, Rre Lawrence Thebe o supile fa ba ikaelela go tokafatsa ka fa ba thusang batswa setlhabelo ka teng ka dinako tsotlhe jaaka go tsibogela le go araba dingongora gammogo le dipotso tsa ba tswa setlhabelo mo nakong e khutshwane. A re ba tla neela motswa setlhabelo mo dikotsing tsa tsela kalafi ya tshoganetso mo nakong e e sa feteng oura morago ga go amogela kitsiso ka kotsi le gone go thusa batswa setlhabelo ba ba sa kgoneng go itshetsa. Rre Thebe a re ba tla a dira bojotlhe go tokafatsa kamano le tirisano mmogo le ba-na-le seabe, a bo a re ba tla nna le bojammogo le tirisano le bangwe ka bone mo mafatsheng go amogana dikitso tse di maleba. O supile fa mokgwa wa go iphitisa nnotagi, tsela e e ditlhare gammogo le go tsaya ditlankana tsa go kgweetsa ka tsela e e seng maleba e le gone go bakang dikotsi tsa tsela. Rre Lawrence o kaile fa dikotsi tsa tsela di gapa matshelo a batho ba ba botlhokwa mo setshabeng jaaka baoki le mapodisi mme e bile ba le botlhokwa mo malwapeng ka jalo seo se dire gore lehuma le simolole go kokonela malwapa ao. O supile fa dikotsi tsa tsela di sa ame bapalami ba dikoloi fela mme le ama le batsamaya ka dinao gammogo le diphologolo. Rre Lawrence o tlhalositse fa thuto mo bathong ka tiriso ya tsela e santse e tlhokafala thata mme a re ba tla a dira ka bojotlhe le ka matsetseleko go thibela le go fokotsa dikotsi tsa tsela mo lefatsheng leno. Fa a latlhela la gagwe, mookamela lekalana la Motor Vehicle Accident Fund Rre Cross Kgosidiile o gateletse fa nnotagi e le yone e bakang dikotsi tsa tsela. Rre Kgosidiile a re seemo sa ditsela mo Bobonong se tshwanetse go tokafadiwa go fokotsa go thulana ga dikoloi mo go diregang gantsi mo kgaolong eo. Mogolwane wa sepodise sa Botswana Rre Semakaleng Matlhake o supile fa go kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo gammogo le diphologolo tse di gobeyang mo ditseleng e le gone go dirang dikotsi. Rre Matlhake a re monongwaga go setse go nnile le batho ba le 214 ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela.BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Mzwinila o lekola maphata a puso Mopalamente wa Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila, o ne a kopane le ditlhogo tsa maphata a puso go buisana ka seemo sa kgaolo. Fa a ntsha pego ya lenaneo la nyeletso lehuma, Rre Gwisani Tubute, yo e leng mogolwane wa tsa ditlhabololo tsa motse a re ba leka go fefosa go sekaseka ba ba lebanweng ke thuso ya lenaneo le mme dikgwetlho di mmalwa. A re baikopedi ba ngongoregela lebaka le le tsewang go tsisa se ba se ikopetseng mme seo se dire gore motho a latlhegelwe ke kgatlhego mo go se a neng a se lopile mme a kope go fetola seo ka go kopa thuso e sele. O ne gape a supa gore lephata le lebanwe ke kgwetlho ya go phuaganngwa ga dithuso batho ba inaakanya le ipelegeng mme seo se busetse kwa morago maiteko a puso a go leka go nyeletsa lehuma. O ne a tlhalosa gore bangwe ba na le mokgwa wa go dirisa mananeo otlhe a a le teng mme ba dira jalo ka go farologana ga mafelo mme seo se bee ba bangwe ka fa mosing mme o ne a kopa gore puso e tsise maranyane a ka thusang go supa se. Fa a ntsha pego ya seemo sa ditsela, Mme Entwetse Gagobatho a re seemo sa ditsela sa kgaolo ga se jese diwelang ka fa pula e na seemo se bifelela pele mme o ne a kopa gore khansele e dire dikholobete. O ne a tlhalosa gore borakonteraka ba ba neelwang ditirelo ba dira tiro ya boleng jo bo ko tlase mme seo nne poela morago ya gore dingwe ditsela di dirwe gape mme seo se turele puso. O ne a supa fa ba abetswe P1,2 million mo ngwageng wa kabo ya madi mme ga a lekane ka go dira le go tlhokomela ditsela go le turu, mme o ne a kopa mopalamente gore khansele e dire tsela ka ditena ka tsela ya teng e sa tlhokane le tlhokomelo e e kalo gape e itshwarelela ka lebaka. Modibedi Rantsudu mogolwane mo lephateng la SHHA a re lenaneo la turn-key le tlhabololo bonno a tsamaya sentle mathata ke tiego ya madi go goroga ko baikopeding mme seo se dira gore mola wa baikopedi o oketsege. O ne a tlhalosa gore mo Mmadinare batho ba le 25 fa ba Bobonong ba le 17 ba kopile madi go aga mme ba sa le ba kopile ka dingwaga tsa bo 2009 le 2010 mme seo se supa tiego mme se dire gore bangwe batho ba itlhoboge ba felele ba aga matlo ka madi a bone. O ne a supa fa go tlhoka sepalangwa go tlhola matlo a a agiwang e le kgwetlho ka ba fapaneela koloi le ba Bobonong mme seo se dia matlo go fela ka a ka se tsweledisiwe ba sa rurifatsa. Pego ya ba sepodisi ka Rre Gagopale Gaselarona e ne e supa fa borukutlhi bo laolesega mo kgaolong mme dikgang tse ba kopanag le tsone thata e le tsa dititeo ko dibareng kana baratani mme ba ikemiseditse go fema seemo seo. O ne a supa fa palo ya bone e le ko tlase mme ba thusiwa ke ba ba ithaopileng le mapodisi a Selebi Phikwe mme e bile o ne a lebogela seo ka matshelo a batho a tla pele e bile a tlhalosa fa ba tsere matsapa a bone go bua le beng ba dibara gore ba seka ba letlelela bana mo dikgwebong tsa bone mme a re seo se dule maduo. Fa a garela mopalamente Mzwinila o ne a kopa ditlhogo tsa maphata go direla setshaba ka botswapelo ka ditirelo tse di nang le boleng ke tsone boremelelo jwa dikeletso tsa setshaba, e bile le tirisano e nne e e lolameng. O ne gape a kopa badirelapuso go ntsha ditirelo tse di tlhwatlhwa go diragatsa lenaneo la nyeletso lehuma ka potlako gore batho ba bone dithuso ka nako. Gape o rotloetsa banna ba kgaolo ya Mmadnare go tsaya thuto ka tlhwaafalo le go tlhokomela dikago le ditsela mo kgaolong. Mopalamente Mzwinila o ne gape a buisa diphuthego tsa kgotla mo kgotleng ya Mmadinare go ithuta gore batho ba tshela jang, le go tlhaloganya matshwenyego a bone. Gape o ne a ba rolela dikgang ka tsa palamente e e fetileng. politics 7 Go tlhwaafalela thuto go ka tlisa maduo a a molemo - Seipone Kgosi Basadi Seipone wa Kang a re fa thuto e tsewa ka tlhwaafalo e ka ntsha maduo a a molemo. Kgosi Seipone o buile se ka Labotlhano (Phalane a supa) kwa kamogelong dietseele tsa bana ba sekole sa tiro ya diatla kwa Kang. Kgosi Seipone a re fa moithuti a reetsa ditaelo tsa batlhatlheleladithuto le batsadi ebile a ithuta ka tlhwaafalo o tlaa roba maduo a a siameng. A re ke ka moo maikaelelo ape fela a a siameng ke gore moithuti a ikgethele isago e e ka tsogang e melediwa mathe ke ba le bantsi. A re moithuti o tshwanetse go ipolelela gore o tlaa sala melao ya sekole morago mme a tseye dithuto tsa gagwe ka tlhwaafalo. Kgosi Seipone a re fa moithuti a laleditse Modimo mo go tsotlhe tse a di dirang go ya go neela maduo a a molemo. A re ka jalo, poifo Modimo ke botlhale. A re Modimo o ka go neela maatla le botlhale jwa go kgona dithuto go sena selabe sepe. Fa a tswelela a ama baithuti ka lefoko, Kgosi Seipone a re sengwe le sengwe se o se dirang ka manontlhotlho le lerato se ka ngoka leitlho la mongwe golo gongwe. A re baithuti ba tiro ya diatla bone ba sego ka gore se ba se dirang ka diatla, maduo a teng a bonwa ke mongwe le mongwe. O ne a fa sekai sa gore, fa o agile ntlo ka manontlhotlo e ka kgatlha ba le bantsi mo go ka felelang go dira gore batho ba eletse go go thapa gore o ba agele mantlo, mme se se tokafatse botshelo jwa gago le ba o tshelang le bone. Erile a ntsha lefoko la kgothatso le go leboga, mogokgo wa sekole se segolwane sa Motaung, Rre Tahwa Elias a supa gore maduo a sekole a isiwa tlase ke botlhokatsebe jaaka nnotagi le boitsholo jo bo sa siamang. A re go ipatla o bo o itshekatsheka o le moithuti ke selo se se botlhokwa thata mo dithutong tsa gago le botshelo ka kakaretso. education 4 LEA e jwala mowa wa bogwebi Bagakolodi ba tsa kgwebo kwa Local Enterprise Authority ( LEA) kwa Masunga ba boloditse letsholo go rutuntsha setshaba ka ditirelo tsa bone,. Maikaelelo a letsholo le ke go thusa go nonotsha dikgwebo. E re ka puso le yone e itlamile go ema bagwebi nokeng ka mananeo a nyeletso lehuma le a banana, LEA e itlamile go bona gore dikgwebo tseo ga di phutlhame e bile madi a puso ga a senyege. Mo phuthegong le banni ba Mambo bosheng, mongwe wa bagakolodi, Rre Gaolaolwe Phologolo, o tlhalositse fa ba thusa ka bogakolodi jwa tlhwatlhwa ka tsa kgwebo e ka tswa e le ya dipodi kana epe fela ka tota keletso ya bone e le go bona Batswana ba ikemetse ka dinao, ba itirela dikgwebo mme ebile dikgwebo tsa teng di nwega moro. Rre Phologolo o gwethile banni go tsaya kgato go tokafatsa matshelo a bone ga mmogo le gone go dirisa mananeo a puso a nyeletso lehuma. A re ditirelo tse dingwe tsa bone di akaretsa go thusa go tlatsa dipampiri e ka tswa e le tsa PPADB kgotsa go thusa gone go kwala moalo wa kgwebo. O tladitse ka gore ba buletse Motswana mongwe le mongwe dikgoro. Rre Phologolo o tsweletse ka gore ba ruta gape ka tsa ipapatso, a supa fa dinako tse dingwe o kgona go fitlhela mogwebi a dira dilo fela tse di jesang matlho monate, di kgatlhisa mme a bo a palelwa ke go ipapatsa mo go felelang fa gongwe kgwebo e phutlhama. Rre Phologolo o ne a supa gape fa bagwebi ka bontsi ba sa itse go kwala dibuka tsa kgwebo tse di ba lemotshang gore a kgwebo e a gola kana jang. A re dibuka ke tsone konokono mo kgwebong ka di supa kgolo, dipoelo le kwelotlase ya kgwebo. O ne a supa gape fa go na le dithutuntsho tse ba lopang mogwebi madi a a kanang ka P240, mme e bile dithuto tseo di tsaya malatsi a le matlhano go di anywa, a tlatsa ka gore bogakolodi jo bongwe ke mahala. E rile a tswa la gagwe , Kgosi Obuile Mambo wa Mambo, a akgola maiteko a mantle a a dirwang ke ba lekalana la LEA ka ba thusa go tokafatsa matshelo a bone e bile ba thusa go tsisa lesedi la thuto. O kgothaditse banana ba motse wa gagwe go ikemela ka dinao, ba emise go nna ba lapisa batsadi ba bone ka go kopa tsele le tsele. A re o itemogetse fa banana segolo jang borre ba na le tlhong e ntsi mme e bile a supa fa ditlhong di jesetsa mo lesweng ka go se ope yo o tlaa atlegang fa a le ditlhong. O tsweletse ka gore ga go na selo se se botlhoko jaaka go kopela ruri. A re Batswana ba tshwanetse go ikitaya ka thupana go tokafatsa matshelo a bone ga mmogo le gone go intsha mo lehumeng. O ba rotloeditse gape go tsaya dikgato tse di maleba ka matshelo a bone. “Ke batla gore ka moso a bo le fa bopaki gore LEA e kile ya re thusa go namoga mo lehumeng, etelang ba LEA le kope dithuso,” ga bua Kgosi Mambo. Mongwe wa banni ba motse oo, Mme Mmadijo Gola o ne a leboga go menagane ka a ne a nyoretswe dithuto tsa kgwebo ka le ene a ne a na le keletso ya go itshimololela kgwebo mme a sa itse gone go kwala moalo. “Ke ntse ke itsapa go ya Masunga go ya go kopa bogakolodi ka kakanyo ya kgwebo ya me mme ebile ke ne ke setse ke itlhoboga,”a latlhela. economy_business_and_finance 3 Temo e tshwanetse go tokafadiwa Modulasetilo wa khansele ya Ghanzi, Rre Douglas Tlharese a re ngwaga o o fetileng go dirisitswe P220 million go reka merogo kwa mafatsheng a mangwe ka jalo Batswana ba tshwanetse go ema ka dinao go tokafatsa temo ya merogo. Rre Tlharese o buile jalo fa a simolodisa ka fa mokgweng letsatsi la temo ya masingwana a merogo kwa Ghanzi bosheng. O boleletse batsena letsatsi leo gore fa banni ba Ghanzi ba ka ema ka dinao, mo dingwageng tse di tlang kgaolo ya Ghanzi e ka dira botoka fela thata mo temong ya merogo. Rre Tlharese a re letsatsi le le tshwanang le leo ke la go tsholetsa le go rotloetsa temo ka ditsela tsotlhe tse di tlhokafalang le go leka go isa melaetsa kwa bathong gore ba kgone go nna le kitso ya temo ya merogo le go tokafatsa fa ba tlhaelang teng. Modulasetilo Tlharese a re fa Batswana ba ka ema ka dinao ba tlaa tokafatsa itsholeleo ya lefatshe leno ka temo mme la emisa go ikaega ka teemane e le nosi. Modulasetilo o boleletse batsena letsatsi leo gore mmaraka wa mafatshefatshe o batla dijo tse di bolokilweng sentle e bile di na le boleng jo bo tlhokafalang gore di kgone go bona theko e e siameng. Rre Tlharese a re go gaisana ga balemi botlhe go tswa mono le kwa mafatsheng a mangwe go laolwa fela ke boleng jwa dijo tse ba di ntshang. A re dinako tsotlhe fa ba lema ba tlhokomele masimo a bone sentle. Modulasetilo a re bosheng lebenkele lengwe le legolo le ne la nna le keletso ya go reka merogo mo lefatsheng leno mme mathata ya nna boleng jo bo kwa tlase le ditlhotlhwa se di kwa godimo mme gape ba palelwa ke go isa dilo ka nako e ba e dumalaneng. Rre Tlharese o rotloeditse balemi go bereka thata gore ba kgone go itepatepanya le mmaraka wa lefatshe leno. A re maduo a a kwa tlase a temo ya merogo mo lefatsheng leno ga a itumedise puso le lephata la temo thuo. Erile Rre Emmerson Ngalombi yo e leng mookamedi wa lekgotla la balemi ba merogo kwa polasing ya ga Rre Chris Wilcot a akgela mo letsatsing leo a tlhalosa fa ba ne ba simolola ka go dira tshingwana e e neng e fepa kampa ya Takadu ka merogo e le nosi. A re ka ngwaga wa 2010 ba ne ba simolola go oketsa masimo a bone gore a nne bophara ka jalo ba ne ba simolola go rekisetsa mabenkele a a kwa Ghanzi jaaka la Choppies le Spar. Rre Ngalombi o boleletse batsena letsatsi leo fa temo ya merogo e tlhokana le tlhokomelo e ntsi gore e tswe maduo a a kwa godimo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Spar e abela sekole Ga gona selo se se itumedisang se ba se tlatsa pelo ka boitumelo jaaka go amogela mpho go tswa mo mothong yo mongwe e bile o sa e solofela. Bana ba sekolo sa Linchwe ba ba tshelang ka bogole kwa Mochudi ba ne ba segofadiwa ka dimpho tsa dibuka le melora go tswa mo khamphaning ya Spar mo Mochudi. E rile mongwe wa bagolwane ba Spar a aba dimpho tseo a supa fa ba araba selelo sa ga Tautona sa go neela ba ba tlhokileng lesego la go nna le dilo tse ba ditlhokang. Rre Gapolang Botsie a re go neela ke taelo go tswa kwa Modimong mme yo o neelang o segofala go gaisa ene yo o amogelang. A re ka jalo se ba se dirang ke karolo nngwe e ba e ipeileng pele gore ba tla busetsa kwa batswaneng ka ba eme kgwebo ya bone nokeng. Rre Botsie o ne a tlatsa ka gore e er entswa ba ne ba diega gotla mme ba kgone go tlisa tse ba neng ba di solofeditse. O ne a ema bana ba sekolo seo ka lefoko ka go ba kgotlhatsa gore ba itse gore thuto ke boswa jo ba sa kakeng ba bo lwela le ope mme ka jalo ba e tseye ka tlhwaafalo. Botsie o ne a ba lemotsha fa botshelo e le mosepele o ba kopanang le dikgwetlho mo go jone mme ba seka ba ineela ba tshephe mo modimong. A re o itse sentle gore ba na le ditalente ka go farologana mmeke tsone tse di ka ba neelang botshelo fa ba di dirisa ka fa go tshwanetseng ka teng. Rre Botsie a re a lemogile fa bontsi ja bone bo tshela ka go tlhoka pono mme seo ga se reye gore ke phelelo ya botshelo ja bone. Mongwe wa bana bao Rre Phenyo Matengu a re o lebogela dimpho tseo ka ebile di tla fa neng ba sa di solofela teng. Mokhnaselara wa kgaolo Rre Shaanyana Setoutwe a re ke boitumelo jo bogolo mo go bone gore ka kompone ya Spar ba bo ba bone go tshwanela gore ba neele mo sekolong sa bone. A re go nna segole ga go reye gore ga o na bokgoni mme a kgotlhatsa bana ba sekolo seo go dira ka natla mo go se ba se kgonang mme ba tla bona maduo a sone. Rre Setoutwe a re o itse ba-na-le bogole ba le bantsi ba ba kgonneng go fitlhelela ditoro tsa bone ka jalo a re o dumela gore le mo go bone o itse gore ba ka kgona. education 4 Batsadi ba ngongorega ka Matsha Batsadi kwa Letlhakeng mo kgaolong ya Kweneng, ba ngongoregela tsamaiso ya sekole se segolwane sa Matsha, se se kwa motseng wa Kang. Ba ntshitse matshwenyego a bone mo phuthegong ya kgotla e e neng e rulagantswe ke barutabana ba sekole seo ka moono wa go rerisana le batsadi go tlhabolola boleng jwa thuto. Batsadi ba tlhalositse fa ba sa kgotsofalele boikarabelo jwa bodiredi jwa sekole seo ka ntlha ya boitsholo jo bo makgasa le go palelelwa ke dithuto ga bana. Ba ngongoregile ka tlhaelo ya barutabana e ba tsereng lebaka ba lela ka yone. Ba re matsapa ke gore fa go fudusiwa barutabana bangwe koo, go tsaya lebaka gore diphatlha tsa bone di kabiwe. Ba ne ba kopa botsamaisi jwa sekole seo go tsaya boikarabelo jwa go tokafatsa maduo a sone. Batsadi bangwe ba re fa sekole se sa dire sentle, baithuti ba felela ba tswa mo tseleng. Ba re seemo sa maduo a a kwa tlase se tshwanetse go tsibogelwa ke batsadi le barutabana, jaaka Motswana a re ngwana sejo, oa tlhakanelwa. Batsadi ba re mathata a sekole seo a tswa kgakala mme a ka rarabololwa ka go tlhopha komiti ya tlhokomelo kgodiso ya bana gore e thusane le barutabana go betla isago ya baithuti. Mogolwane wa barutabana, Rre Otsile Maapatsane, o ne a tlhalosetsa batsadi gore barutabana ba tshwaragane le bothata jwa gore batsadi ga ba tle diphuthegong tsa batsadi le barutabana go tla go utlwa ka boitshwaro jwa bana ba bone le go neelana megopolo ya go bo tokafatsa. O ne a supa gore tlhaelo ya barutabana e a tshwenya mme ba ka kgona mathata a sekole fa ba tshwaragane le batsadi. O gakolotse batsadi gore fa barutabana ba otlhaya baithuti, ba a bo ba sa ba sotle, maikaelelo e a bo e le go ba aga. Rre Maapatsane o tsweletse ka go nankola dikgwetlho tse ba lebaneng natso jaaka boimana jwa bana, jo a bolelang bo atile mo mophatong wa bone. BOKHUTLO education 4 Keikelame o kopa tirisano mmogo Kgosi Galekganelwe Keikelame wa Mogorosi kwa kgaolong ya Legare o ikuetse mo go beng ba leruo le balemi go nna le tirisano mmogo segolo bogolo ka nako ya temo. Kgosi Keikelame o dirile boikuelo joo bosheng mo potsolotsong. O ne a tlhalosa fa ba tshwenngwa ke dipego tsa tshenyo ya leruo kwa masimong. A re mo nakong eno ba setse ba gatisitse dikgang tsa mofuta oo di le mmalwa. Ka jalo a re go botlhokwa gore beng ba leruo le balemi ba dirisanye mmogo go tila diphapaang ga mmogo le go thoka kutlwisisano mo gantsi go nnang teng fa leruo le sentse kwa masimong. A re beng ba leruo ba tshwanetse go itse fa e le tshwanelo ya bone go le tlhokomela ka dinako tsotlhe go le itsa go senya dijwalo mo masimong. O gateletse thata fa mo nakong eno leruo le tshwanetse la salwa morago e bile le tlhatlhelwa maitseboa. Fa a itebaganya le balemi, Kgosi Keikelame a re ba tshwanetse go disa masimo a bone e bile ba a agelele. A re go lema fela mo lebaleng le gone go phuaganya masimo ga se yone tsamaiso e e tlhokafalang ka jaana go dira jalo e le tshenyo ya madi a puso. A re puso e dirisa madi madi go leka go tlamela Batswana ka ditsompelo tsa temo gore ba ithuse lefatshe go ntsha dijo tse di lekaneng, mme go a swabisa gore go bo go na le bangwe ba ba sa tseyeng tsia temo le ntswa e le yone e e ka ba namolang mo lehumeng le le ba tseneletseng. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Bojalwa le go kgweetsa ga di tsamaelane Moanamisa mafoko wa sepodisi sa Botswana, Assistant Commissioner Dipheko Motube, a re mapodisi a tshwenngwa ke dipalo tse di golelang pele tsa batho ba ba kgweetsang ba sena diteseletso tsa go kgweetsa e bile ba itshietse nnotagi. Mo potsolosong bosheng, Rre Motube, o boletse fa seemo sa dikotsi se tshwenya ka malatsi a boitapoloso. Le fa go ntse jalo, a re ka malatsi a ga Tautona a a sa tswang go feta, dipalo tsa dikotsi di wetse tlase gosenene. “Le ntswa go nnile le dintsho, re lemogile kwelo tlase ya ditlamorago tsa go kgweetsa ka bohahalele. Ngwaga wa 2019 re ne re na le dintsho tsa dikotsi tsa tsela di le tlhano le dikgobalo tse di masisi di le lesome.” Rre Motube a re monongwaga go nna botlhaswa ga bakgweetsi go bakile dintsho tsa batho ba le bararo le dikgobalo di roba bobedi, tse tsotlhe e leng bontlha bongwe jwa dikotsi tse 186 tse di diragetseng ka malatsi a boikhutso a letsatsi la ga tautona. A re ba gatisitse melato ya go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng e le sekete le masome a mararo le boroba bobedi ka malatsi a boitapoloso. A re ba ne ba tshwara bakgweetsi ba le makgolo a supa, masome a mabedi le bone ba ba neng ba kgweetsa ba sena teseletso. Rre Motube a re mo palong eo, bontsi ke ba ba senang diteseletso tsa go kgweetsa gotlhelele, fa bangwe ba ne ba re ba di lebetse, fa tse dingwe di dule mo tirisong. “Ka nako ya fa re emisa batho go tlhatlhoba dikoloi tsa bone ka malatsi a, re fitlhetse ba le makgolo a mane le masome a supa ba kgweetsa ba sa dirise mabante a itshireletso,” a tlhalosa jalo A re monongwaga dipalo tsa ba ba kgweetsang ba sena teseletso tsa go kgweetsa le ba ba sa diriseng mabante a itshireletso di oketsegile. Rre Motube a re ba tshwentswe gape ke dipalo tsa dipetelelo tse di akaretsang bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le botlhano. “Re nnile le dipetelelo tsa bana ba ba dingwaga tse di lesome le botlhano, lesome le bobedi le ba dingwaga tse supa ba le babedi.” Mo tiragalong e nngwe, Rre Motube a re mosetsanyana yo o dingwaga tse di lesome le bobedi o ne a tlogetswe le rre yo o dingwaga tse di lesome le boferabobedi mme a sala a mmetelela. Mo go e nngwe Rre Motube a re rre wa dingwaga tse masome a mabedi le borobabongwe o ne a betelela ngwana wa dingwaga tse thataro kwa kgotleng ya Kgaphamadi kwa Maun fa a ne a kopilwe go sala a mo tlhokometse. A re bomme ba le lesome le bosupa ba ne ba betelelwa ba tswa kwa marekisetsong a bojalwa mme ba dirisa tsela tse di sa sireletsegang. Rre Motube a re ditiragalo tse tsa petelelo di diragaletse kwa Jwaneng, Maun le Charles Hill. Assistant Commissioner Motube a re ditlhotlhomiso di tsweletse gore babelaelwa ba tle ba lebisiwe melato. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Palapye o amilwe ke dikgang tsa phiro E re jaaka motse wa Palapye o tsweletse ka go tlhabologa, dikgang tsa mohiri le mohiriwa le tsone di golela pele. Banni ba Palapye ba supile fa se se sa ba jese diwelang ka Batswana ba jewa ntsoma ntswa dikompone tse di mo motseng oo di duelwa ke puso. Fa ba bua mo phuthegong ya kgotla, e e neng e tshwerwe ke tona wa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu, baagi ba tlhalositse fa dikgang tse di ba apesitse kobo ka letshoba, ba tlhalosa fa ofisi ya pereko kwa Palapye e retelelwa ke go tseela bahiri le bahiriwa ba ba sa tleng fa ba bidiwa dikgato. Bontsi jwa bone, bogolo jang banana, ba tlhalositse fa ba latlhegetswe ke ditiro e se ka fa tsamaisong, ba ba sena go gana go fetisa dithoto tse di sa dirwang sentle. Ba re go fetisa dithoto tse di sa dirwang ka tlhamalalo go supa go tlhoka boikarabelo e bile go senyetsa puso madi, ka e felela e tsena mo mathateng e tshwanelwa ke go baakanya, dikompone tsa batswakwa tsone di tsamaile. Mafoko a bone a ile a gatelelwa ke mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya, yo o neng a tlhalosetsa tona fa dikgang tse e le boammaaruri, a re dikgotla tshekelo tsa dikgang tsa khiro mo lefatsheng leno ga di a lekana, ka jalo go tlhokega gore di okediwe mme a kopa gore nngwe ya tsone e agiwe kwa Palapye gore baagi ba Palapye le metse e e mabapi ba kgone ba bone ditirelo gaufi. O kopile tona gore fa dikompone tsa Batswana di na le bokgoni, e nne tsone tse di abelwang ditiro. Rre Batshu o tlhalositse fa bothata jo bo ka alafiwa ke paakanyo ya molao, gore o neele ba ofisi ya pereko dithata tsa go gatela ba ba sa obameleng taelo ya bone dikgato. O solofeditse gore ofisi ya gagwe e tlaa sekaseka go baakanya molao wa phiro, go itebaganya le dikgang tse. BOKHUTLO society 9 Tshwaragano e botlhokwa mo twantshong ya malwetse Mokhanselara wa Leralal/Maunatlala, Mme Malebogo Phuthego a re tshwaragano ya setshaba le puso e ka thusa mo ntweng kgatlhanong le bolwetse jwa kgotlholo e tona. Fa a bua mo potsolosong morago ga letsatsi le le neng le rulagantswe ke lekgotla la tsamaiso botsogo mo Palapye (DHMT) le maikaelelo a lone e neng e le go sekaseka loeto mo ntweng kgatlhanong le bolwetse jwa kgotlholo e tona, a re tswaragano e, ga e bue ka tshwaragano ya puso e le nosi, e akaretsa Motswana mongwe le mongwe go tsenya letsogo ntweng kgatlhanong le kgotholo e tona go ya kwa ngwageng wa 2035. Mme Phuthego yo gape e leng modulasetilo wa komiti ya thuto ka tsa botsogo mo khanseleng-potlana ya Palapye a re bolwetse jwa kgotlholo e tona bo setse bo tsere phekelo e sele, a supa fa go tshwerwe balwetse ba kgotlholo e tona ba le 6 000 ka 2016 mo Botswana ka bophara. A re go nna le palo ya balwetse ba kgotlholo e tona ba le diketekete mo lefatsheng le le tswereng palo potlana ya batho ke kgwetlho e e batlang gore setshaba se tswaragane go fokotsa le go fedisa dipalo tseo. A re mo palong ya 6 000, ba le 392 ba tlhokafetse ka ntata ya kgotlholo e tona, a supa fa go tlhokafala e le go bo bangwe balwetse ba feletsa ba sa tseye dipilisi sentle fa bangwe ba feletsa ba tlogela dipilisi tsa bolwetsi joo mo tseleng. A re balwetse ba kgotlholo e tona ba tshwanetse go sala ditaelo tsa ba botsogo morago tse di supang fa kalafi ya bolwetse jwa kgotlholo e tona e tsaya dikgwedi tse thataro, a tlatsa ka go re go sala ditaelo tsa ba botsogo morago go ka fodisa yo o iphitlhelang a tshwerwe ka bolwetsi jwa kgotholo e tona. Mme Phuthego a re ka 2006 mo Palapye go tshwrere batlwetse ba le 108 ka kgotlholo e tona mme ba le barataro ba latlhegelwa ke matshelo, selo se a supileng fa e le dipalo tse di kwa godimo thata. O kaile fa bolwetsi jwa kgotlholo e tona le mogare wa HIV e le di ya thoteng, ka jalo a rotloetsa setshaba go itlhatlhobela malwetse ao go kgona gore a laolesege go sale nako. Fa a ema setshaba ka lefoko, Rre Kelatlhegile Gontse yo e kileng ya nna molwetse wa kgotlholo e tona ka 2013 o ne a rotloetsa setshaba go sala ditaelo tsa ba botsogo morago. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Samuel Maforaga wa kgotla ya Serorome mo Palapye o ne a iteela kobo moroko ka go rotloetsa banni ba motse oo go itlhatlhobela malwetsi mme e bile a kopa borre go dira learo le le babalesegileng la borre. A re go tlhoka go dira learo le le babalesegilegileng la borre go tsenya motho wa rre mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetse a tlhakanelo dikobo. Letsatsi le le ne le tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng Tshwaragano go Fedisa Bolwetse jwa Kgotlholo e Tona. BOKHUTLO education 4 Ba Mosinki ba lebogela thuto ya bana Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mosinki gaufi le Molepolole, Mme Tebalo Nchoko a re banni ba koo ba lebogela go menagane lenaneo la go isetsa bana ba bone ba babotlana thuto. E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Nchoko a supa fa mo lebakeng le leleele bana bangwe ba koo ba ne ba tlhoka go akola thuto ka lebaka la sekgala se seleele go tswa Mosinki go ya Molepolole kana Thebephatshwa. A re batsadi ba bana bao ba ne ba sa kgone ditshenyegelo tsa go pega bana letsatsi le letsatsi ka ba le ’ikobo dikhutshwane. A re le fa mo nakong eno go santse go le bokete mo batsading bangwe, e le komiti ya ditlhabololo ba tsweletse ka go tlhomamisa gore bana ba ya sekoleng. O ne a supa fa a akgola batsadi ba a reng ba ntsha di-tsa bone go tlhomamisa gore bana le ba e seng ba bone ba ya sekoleng. A re se se supa fa mowa wa boithaopo le tirisanyo mmogo di le teng mo baaging. E ne ya re fa a tswa la gagwe, mogolwane mo lekalaneng la Out of School Education and Training (OSET) le le itsegeng ka leina la Thuto ga e golelwe, Rre Meshack Kgopana a kaya fa lekalana leo e le lengwe la a lephata la thuto mme maikaelelo a lone e se go isetsa bagolo fela thuto. A re ba simolotse lenaneo la thuto ya bana ba bannye go tswa kwa moding mme a supa fa ba ne ba lemoga gore letlhoko la lenaneo leo le teng kwa Mosinki. A re selo se ba se itumelelang ke gore bana ba Mosinki ba na le kgatlhego mo lenaneong le. Rre Kgopana o tlhalositse fa lenaneo leo le akaretsa bana ba ba tlodilweng ke sekole e le tsela ya go ba suga gore ba nne mo seemong sa go tsena sekole. O boletse fa ba thapa barutabana le go fa bana bao dijo e le tsela ya go imolola batsadi morwalo. Le fa go ntse jalo, Rre Kgopana o ne a ikuela mo batsading go tlhomamisa gore bana ba ya sekoleng ba le mo seemong sa go ka rutwa.BOKHUTLO politics 7 Maphata a puso a abela lelwapa dimpho Mme Maipelo Samarabi le ba lelwapa la gagwe ba amogetse keresemose pele ga nako, jaaka maphata a Bajebareki (Consumer Affairs), la Dikitsiso (Information Services) le la Kgaso (Broadcasting Services) ba ne ba ba abela dijo, melora le diaparo, ka Labotlhano Sedimonthole a tlhola malatsi a marataro kwa Selokolela, mo kgaolong ya Borwa. Kgosi ya motse oo, Rre Koorapetse Legabala, a re maphata a a diragaditse yone toro ya ga tautona, ya go namola bao ba kobodimagetleng; mme a boa a rotloetsa gape le Batswana go ipelega. Rre Legabala a re maphata a mararo ao a puso a bone go tshwanela gore ba supe bopelotlhomogi ka go ithaopela go thusa mongwe yo o tlhokileng lesego mo setshabeng. O bile a kgothatsa dikomiti tsa motse wa Selokolela gore le bone ba tseye malebela, ka go twe, “dilo makwati…”, le bone ba ithaope, ba bone mongwe yo o tlhokileng lesego, yo ba ka mo tswang thuso. Rre Legabala a re banni ba Selokolela ba seka ba nna bo atlarelang fela, le bone ba ntshe dithuso ka fa ba ka kgonang ka teng; le gone go tlhokomela le go lebogela dithuso fa motho a dulwe matshidiso. Fa a buwa ka maikaelelo a letsatsi leo, moemedi wa komiti ya botsogo ya maphata a mararo a, Rre Topo Monngakgotla, o ne a supa fa ba tswa kwa komiting ya botsogo e e bopilweng ka maphata a mararo e bong la Baje-bareki, Dikitsiso le la Kgaso. Rre Monngakgotla a re kwa maphateng a ba bua ka botsogo. A re mme ba ne ba seka ba iteba ba le bosi, a re ba ne ba bona go le botlhokwa go batla mongwe yo o tlhokileng lesego yo ba ka mo thusang. O boletse fa ba ne ba ntsha P100.00 mongwe le mongwe wa bone, mme ba simolola fela ka go rulela ntlo ya ga Mme Samarabi, mme ka mo go neng go setse ba rekela bana diaparo le dijo. A re ntle le seo, moono o mongwe wa bone e ne e le go aba diaparo tse dikgologolo mongwe le mongwe wa bone. Rre Monngakgotla a re ba itse gore ga go a lekana, mme gone, “sejo sennye ga se fete molomo”. O bile a re ba dirile se ba gopotse mafoko a ga tautona a gore badirelapuso ba seka ba iteba ba le bosi mme ba gopole setshaba se ba se direlang, ka go se thusa ka tsela tsotlhe. A re gape ba getlhilwe ke letshego la tebelopele ya setshaba la tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgatala ka batho ba yone. society 9 Ba jwala ditlhare tsa meriti Badiri ba lephata la banana, metshameko le ngwao kwa Tutume ba jwadile ditlhare tsa meriti di le lesome le botlhano kwa kgotleng ya Tutume. E rile a simolodisa tiro eo ya go jwala ditlhare kwa kgotleng eo bosheng, mogolwane go tswa ko lephateng leo Mme Reginah Ntlhe a bolela fa mo mananeong a bone a go direla setshaba ba ne ba tlhopha go jwala ditlhare mo kgotleng. Mme Ntlhe a re kgotla ke lefelo le go phuthagelwang mo go lone, ka jalo ba bona go tshwanela go jala ditlhare tseo tsa meriti gore setshaba se seka sa bolawa ke letsatsi fa ba tsile pitsong. A re gape ditlhare di tlisa tebego e ntle ya tikologo, ka jalo di tsile go fetola tebego ya kgotla eo di e beye mo seemong se se tlaa tlhang leitlho la yo o fetang gaufi le yone. O ile a re kago ya leobo e e agiwang le yone e ne ya ba gwetlha go jwala ditlhare tseo go leka go kgabisa kgotla gore bontle jwa kago bo tle bo tsamaelane le ditlhare tseo, mme a tlhalosa fa ba di filwe ditlhare ke ba lephata la dikgwa le dibapalwa nageng. Mme Ntlhe o tsweletse a bolela gore le fa ntswa e le ditlhare tsa meriti, tse dingwe maungo a tsone a a jewa jaaka sa motsentsela le morula. Kgosi Alphonse Nsala wa Tutume, o ne a leboga badiri bao go bo ba bone go tshwanela go kgabisa kgotla ya gagwe, a re ke maiteko a mantle thata. Kgosi a re ba ntse ba sena kwa ba tshabelang letsatsi teng, ka jalo ba dule batho mme a kopa ba lephata la dikgwa le dibapalwa nagenggo ba thusa le go ba gakolola ka tlhokomelo ya ditlhare tseo. O ne a nesetsa lephata leo le babereki ba lone pula, a re ditlhare tseo di tlaa oka batho go tsena diphuthego tsa kgotla ka ba tla nna le kwa ba tshabelang letsatsi teng. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Mokgatlho o lwantsha tiriso botlhaswa ya bojalwa le ditagi Mokgatlho oo tlhokomelelang malwetse kwa malwapeng wa Otse Home Based Care o itlamile go lwantsha tiriso botlhaswa ya bojalwa le ditagi tse di tsweletseng ka go tsenya matshelo a banana mo diphatseng. Fa a bua mo potsolotsong, mogolwane wa mokgatlho oo, Rre Alfred Ntshonono, o boletse fa e rile ka a 2015 ba dira tumalano le ba lephata la botsogo go thusa mo letsholong la Fokotsa Dino. A re tumalano eo ya dingwaga tse tharo, e fela kgwedi ya Lwetse e ya fifing monongwaga, mme ba setse ba thusitse banana ba le bantsi go tlogela tiriso ya bojalwa le ditagi. A re lephata la botsogo le boitekanelo le file mokgatlho oo P3 million go mo dirisa mo letsholong la Fokotsa Dino. Rre Ntshonono o buile jalo jwa dipuisanyong le bana ba dikolo, bagwebi, ba-na-le-bogole le balwetse ba ba mo ditiribatsing. A re o itumelela tshwaragano le tirisanyo mmogo ya bone le baeteledipele ba motse, bagwebi le morafe ka kakaretso go lwantsha tiriso botlhaswa ya bojalwa le ditagi gonne di senyetsa banana bokamoso. “Setswana sa re moroto wa esi ga o ele, ka jalo ke akgola botlhe ba ba re emang nokeng go thusa puso go lwantsha mmaba o. Ke maikarabelo a mongwe le mongwe go fokotsa tiriso botlhaswa ya dino le ditagi ka e ama mongwe le mongwe,” Rre Ntshonono a tshwaela. Le fa go ntse jalo, a re ba kopane le dikgwetlho di le mmalwa mo letsholong le. Nngwe ya tsone ke thekiso ya majalwa a a sa letlelelweng. O tsweletse a bua gore e rile ditlhwatlhwa tsa bojalwa di okediwa, batho ba ne ba bona go le botoka go dirisa motokwane gore ba tagiwe ka bonako ka ba re bojalwa bo a tura. Rre Ntshonono a re batho bangwe ba motse wa bone ba na le a go dira majalwa a a sa letlelelweng, mme fa ba tshwarwa ba re ga ba rekise ba itiretse fela go nwa le masika le ditsala. “Bojalwa jo bo letlelelwang fela go omelwa mo malwapeng ke jwa Setswana mme pele o bo omela o kopa tetla kwa go kgosi mme o omele fela fa kopo ya gago e atlegile,” a tlhalosa fa a tswa la gagwe, Kgosi Mothusi Tsetse o buile fa ba sa robadiwe ke thekiso ya majalwa a a itirelwang mo malwapeng. “Majalwa a a borai ka gore re etse tlhoko fa ba sa a apeye sentle jaaka go tshwanetse mme seo se dira gore a nne bogale le go feta,” a tlhalosa. A re bojalwa jo bo itsegeng ka leina la setiripa kgosi ke bone bo tsentseng tsebetsebe mo motseng wa gagwe. Kgosi Tsetse o buile fa gape bojalwa joo bo seo gope mo molaong wa lefatshe leno o o tsamaisang thekiso ya bojalwa ka jalo go ba ketefeletsa tiro gore ba ka dira jang go fedisa thekiso ya jone. Kgosi o tlhalositse gape fa ba tshwenngwa ke batsadi ba ba neelang bana ba dikolo motsoko le motokwane gore ba ba rekisetse kwa dikolong. “Matshwenyego a a kwa dikolong a matona ka jalo re ne ra bona go le maleba go tlhama komiti ya PTA-Stakeholders maikaelelo a yone e le go lwantsha matshwenyego a a kwa dikolong jaaka tiriso botlhaswa ya bojalwa le ditagi le boitshwaro jo bo sa amogelesegeng,” ga bua kgosi. BOKHUTLO health 6 Ofisi ya mopalamente e abetse baithuti Mopalamente wa Nkange,Rre Edwin Batshu yo o bileng e le tona ya pereko le selegae o abetse baithuti ba ba tlhokang ba le lekgolo le masome matlhano le bongwe ba sekole se segolwane sa Tutume McConnell college dikobo di le lekgolo le masome a matlhano le bongwe. Fa a aba dikobo tseo, mo boemong jwa ga Rre Batshu,mokwaledi wa ofisi ya mopalamente wa kgaolo ya Nkange,Rre Nganu Kuswane o ile a gwetlha baithuti bao go tlhoafalela thuto. Rre Kuswane o boletse fa ba lesego ka mogokgo wa sekole seo le ene o nnile mongwe wa ba tseneng mo sekoleng seo le ene tota ke bangwe ba setlhopha sa bobedi go tsena mo teng morago ga go bulwa ka dingwaga tsa bo 1971. A re seo se ba fa lesedi la gore fa ba ka tlhoafalela thuto ba tlaa goroga fa ba leng teng gompieno ka ntlha ya thuto e ba e amuleng ka dinako tsa bone. Rre Kuswane o ne a bolela fa lefatshe le lebanwe ke kgwetlho e tona ya kwelotlase ya itsholelo ka jalo go se motlhofo go tlamela mongwe le mongwe. A re go supa fa kwelotlase eo e sa ame lefatshe fela,le batho le yone itsholelo e wela tlase. O tsweletse a bolela fa seo e le sone se se gwetlhileng tona Batshu go bona fa go tshwanetse go thusana le puso go abela ba ba tlhokang. A re gape e ne e le bontlha bongwe jwa go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba ya 2016 la setshaba se se kutlwelobotlhoko,se se tlhokomelang batho botlhe. O ile a bolela fa sekole seo e ne e le dingwe tsa dikole tse di neng di melediwa mathe ke batho,ka jalo a gwetlha baithuti bao go tsosolosa serodumo seo,a bo a ba gwetlha gape go nna le tebelopele mo matshelong a bone mme ba tlhoafalele thuto gore kamoso ba bo ba abela ba bangwe. Modulasetilo wa khansele-potlana ya Tutume,Rre Ishmael Mokgethi o ne a galaletsa tiro e ntle e e dirilweng ke Rre Batshu go abela bana bao, a supa fa mpho eo e tsile ka nako e e lebaneng ya mariga. Rre Mokgethi a re seo se tlaa tlisa pharologanyo mo matshelong a bone.A gatelela ka go ba kopa go somarela mpho eo. O ile a ba gwetlha go tlogela mokgwa wa go senya dithoto tsa sekole le go dira ditiro dingwe tsa botlhoka tsebe,a re tseo ga di kake tsa ba isa gope mme ba inaakanye le thuto go ipetlela isago. education 4 Lefelo la matlakala le jelwe ke molelo Khansele ya Kgatleng e ntse e tshwaragane le namane e tona ya tiro ya go tima molelo o o neng wa tlhagoga kwa lefelong la matlakala kwa Pilane. Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong, a re ga ba itse se se bakileng molelo oo mme ba ne ba ragoga go ya go o tima. E rile a bua mo potsolosong ka Labone, o ne a supa fa molelo oo o na le malatsinyana o ntse oo sha mme lephata la bone la go tima molelo le ntse le eme ka dinao go o tima. Rre Morolong a re e rile molelo oo o simolola, o ne o le bogale mme ba tshwanelwa ke go kopa thuso ko lephateng la sesole la ditima molelo mme ba kgona go o tima. A re sebe sa phiri ke gore fa ba akanya gore o fedile o kuketsa ntlha e nngwe gape ka gore matlakala ao a setse a itirile thaba mme go bokete go ka tima nako e le nngwe. Modulasetilo a re mo nakong e e fetileng go kile ga tlhagoga molelo wa mofuta oo mme ba thusiwa ke gore pula e na ya na ka bontsi ka nako eo mme molelo wa tima. Le fa go ntse jalo, a re ba tlaa tswelela ba tima molelo oo go fitlhela o felela. O ne a tlatsa ka gore monko wa mosi wa matlakala ao o tswelela ka go apesa metse e e mabapi bogolo jang Pilane le Rasesa. Ka jalo o kopile banni ba metse eo go ba inela diatla metsing ka bothata joo mme o dumela gore bo tlaa fela mo nakong e e sa fediseng pelo. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Mmamojewa o batla Ipelegeng Banni ba masimo a Mmamojewa mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba batla Ipelegeng kwa masimong a bone. Banni ba buile se mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mokhanselara wa kgaolo ya Mantshwabisi bosheng. Ba supile fa ba tsamaya sekgala se se leele go ya go berekela Ipelegeng kwa Mogonono. Mongwe wa banni ba masimo ao, Mme Rre Kekgalelmetswe Mojose o supile fa bontsi jwa bone ele batho b aba nnang mo masimo ngwaga goya ngwageng. O kaile fa Ipelegeng ele yone e ba itshetsang ka yone ka go sena ditiro ntle le Ipelegeng kwa Mmamojewa.Rre Mojose o ne a kopa mokhanselara gore a ba kopele terata ya kgaoganyo mahudiso le go hatolola letamo la Mmamojewa. Rre Nelson Matara ene o ne a kopa gore ba fiwe koloi ya ditonki e e tla isang bana sekolong letsatsi le letsatsi ka ba tsamaya sekgala se se leele go ya sekolong se se botlana sa Mogonono. One gape a kopa gore ba direlwe fa ba tla tseelang teng ditlamelo tsa botsogo ka ba latela botsogo kgakala. O ne a kopa gape gore ele ba dimausu ba fiwe tshono ya go phakisa batlhoki le masiela ka dimausu tsa bone dina le dithoto tse di ka phakisiwang. Rre Matara one a lebogela mokhanselara wa bone gobo a iphile matsapa a go ba lekola. Fa a ba kgwa dikgaba mokhanselara Rre Meshack Tshenyego o ne a supa a tla isa dilelo tsa bone kwa go go ba maleba. O ne a ba kopa gose emele gore a bitse diphuthego tsa dikgotla go la ba ntsha matshwenyego. O ba gakolotse go itshwaraganya le ene ka a ikemiseditse go ba direla. Mokhanselara Tshenyego one a ba gakolola go se kgobege marapo mme ba tswelele ka mowa wa boipelego o ba tswang kgakala ban a le one. O ne gape a kgotlhatsa banana go tsaya mananeo a puso tsia ka a k aba tlhabolola. politics 7 Tshwarang madi a puso ka pabalesego Badiri ba puso ba ba dirang le tsa madi go tswa mo maphateng a a farologanyeng mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba rotloeditswe go tshwara madi a puso ka pabalesego go hema seemo sa go nyeletsa madi le tshenyetso setshaba e lefatshe leno le sa e beyeng sebete. Moeteledipele mo ofising ya madi a puso mo Tsabong, Rre Daniel Gaserengwe, o buile jaana bosheng mo dipuisanyong tse di neng di rulagantswe ke lephata la gagwe maikaelelo e le go ruthuntsha badiri go goga ka tsela e le nngwe ka fa ba tshwanentseng go tshwara le go babalela madi a puso ka teng. O boletse fa ba gwetlhilwe ke go lemoga fa bangwe ba sa sale melawana morago. Rre Gaserengwe o ne a supa fa tsheneyetso setshaba e bakwa ke bopelotshetlha, dikeletso tse di kwa godimo tsa botshelo, go itlhokomolosa molao, letlhoko le le feteletseng la madi, go batla go nna le madi ka nako tsotlhe. O ne a gakolola batsena dipuisanyo tseo go ikgapha mo go amogeleng dimpho go tswa mo badirising ba ditlamelo tsa puso ka di ka felela di ba raela go inaakanya le tshenyetso setshaba. Moeteledipele mo ofising ya madi a puso mo Tsabong o supile fa ditlamorago tsa tshenyetso setshaba di akaretsa itsholelo e e kwa tlase, go tlhoka go tla ga babeeletsi mo lefatsheng leno, go senyegelwa ke tiro, go ya kgolegelong, go humanega le go felela motho a ikgapela botshelo fa a setse a le mo mathateng. O supile fa badiri ba ba dirang ka madi mo maphateng a a farologanyeng ba tshwanelwa ke go tsaya boikarabelo jwa ka fa a dirisiwang ka teng mo ngwageng mongwe le mongwe wa madi le gone go a tlhokomel. Rre Gaserengwe o supile fa go tshwara madi a puso e le tiro e e kgethegileng, ke sone se ba letlelelwang go thusa Batswana mo maphateng a puso go rirufadiwa ka mokwalo o o beilweng monwana ke baeteledipele ba maphata. O ne a gwetlha badiri go buisana le baeteledipele go tlhomamisa gore lephata lengwe le lengwe la puso le na le sebolokelo sa madi se se nonofileng pele ga a isiwa kwa ofising ya madi. A re go simolodiswa ga maranyane a GABS mo maphateng a puso go thusitse ka go dira tiro motlhofo ka nako e khutshwanefa go tshwantshanngwa le nako e go neng go dirisiwa mokwalo. Mongwe wa baruthuntshi Sub Inspector Motshegetsi Mmunyane o ne a tlhalosa fa go na le bogodu jwa gotsietsa jo bo ileng magoletsa mo dinakong tsa gompieno, a supa fa batho ba tsiediwa ka go reka dikoloi, matlo le dithoto tse dingwe. Sub Inspector Mmunyane o ne a supa fa ba thusa go tlhotlhomisa mo go tseneletseng mo dikgannyeng tsa bogodu jwa madi motho a dirisa maranyane a Facebook, sebalamakgolo kana go reka dithoto tsa bogodu. Fa a leboga, Mme Chenesani Thomaba go tswa mo lephateng la dikitsiso mo Tsabong o ne a galaletsa barulaganyi ba dipuisanyo tse, a supa fa di le maleba. A re di tlaa tiisa babereki moko go tswelela ba dira ka matsetseleko mo go tlhomamiseng gore madi a puso a babalesegile. politics 7 Monana o galaletsa YDF Monana wa kgotla ya Dilaene kwa Mahalapye o galaleditse lenaneo la banana la YDF le a tlhalositseng fa le ne la mo rotloetsa ka madi a a kanang ka dikete di le masome a robabongwe le borobabongwe a dipula go simolola kgwebo ya gagwe ya bodiragatsi. Rre Patrick Ketshabile wa dingwaga tse di masome a mararo le boraro, are toro ya gagwe ya go nna modiragatsi ene ya fetoga go nna boammaaruri, gotsweng letsatsi le a neng a amogela thuso e. O kaile fa a ne a reka diletso tse di tona tse di letsa mo medirong gammogo le diletswa tse di farologanyeng di akaretsa katara, key board le tse dingwe. Rre Ketshabile yo e leng modiragatsi wa moepelo wa sekeresete e bile a na le moopelo ao a setseng a o gatisitse ka ngwaga wa 2009, a re o godile a ntse a na le lorato le le tseneletseng la moopelo. A tlhalosa gore ka se, o ne a seka a ipona tsapa go ka tsweledisa talente ya gagwe ka go tsenelela khwaere ya sekolo jaaka a ne a le kwa sekolong se sebotlana. A re o tsweletse fela jalo a opela mo khwaereng le kwa kerekeng ya gagwe ya Assemblies of God, kwa a tlhalositseng fa a ne aa bona kgolo mo talenteng ya gagwe teng. O kaile fa kopelo e le selo se se gaufi thata le pelo ya gagwe, ka jalo mo go ene e tshwana fela le go hema , o gateletse boleng jwa kopelo mo botshelong ja gagwe a lekalekanya botlhokwa jay one le jwa go tshela. “moopelo o botlhokwa fela thata ka gore fa go le monate re itumetse re a opela, fa go le botlhoko re hutsafese le gone re opela kgalaletso le go isa kgomotso ka kopeleo ebile kopelo e sidila maikutlo”. Le fa go ntse jalo Patrick are mo loetong la gagwe la moopelo, o gwetlhiwa thata ke moopelo wa bagaka ba moopelo wa sekeresete go tswa Aforika Borwa e bong Keke le Desmond Dube. A re kopelo ya bobedi jo e mo tiisa moko le go mo gwetlha go dira ka bokgabane fa go tla mo go tsa kopelo. Rre Ketshabile are o berekile le borre ba tshwana Kitso Mauchasa yo gape eleng ene a neng a golola alebamo ya gagwe ya ntlha e eneng e dbidiwa fela jalo gotwe , “Ke tshephile wena,” le moruti Thuso Tiego gareng ga ba bangwe. Le fa go ntse jalo a re moopelo o one wa seka wa dira sentle ka mabaka a dikgwetlho tse dib a lebanyeng e le baopedi di akaretsa go ntsifatsa dikhasete mo go seng ka fa molaong mo go ba jesetsang mo lesweng e le badiragasi ka moopelo wa bone o itsamaela sesolo lentswa ba senyegetswe ke madi go o gatisa. A re selo sengwe se a se itemogetseng ke gore boranyane bo ntse bo golela pele ka jalo malatsi a go botlhokwa go golola khasete o e patagantse le kopelo ya dibaesekopo ka malatsi a Batswana ba dumela mo go lebeleleng thata gona le go reetsa lentswe bas a bone mong. Ka jalo a re selo se mo pakeng e e latelang fa a golola moopelo wa gagwe o tla a se tsibogela. Rre Ketshabile a re o tshwentswe ke go bo Batswana bas a fe mmino wa sekeresete thotloetso e e kgotsofatsang. Are se se supiwa ke gobo ba dira ditiro tsa boitlhaopo e ele badiragatsi ba mo gae mo meletlong ya maphata a puso mme fa go go nna le melelo e megolo e go tlhokang go tlhapa badiragatsi baa a fetogela mme ba tlhape ba kwa ntle ba go tweng ba ka ngoka sechaba. O kaile fa a diragatsa mo manyalong le mo meletlong ka go farologana mme e bile nako tse dingwe a hirisa tsone di letso tsa gagwe mo medirong. Are lentswa kgwebo e e tsenya madi sebe sa phiri ke gore e dira sentle fa go le malatsi a boikhutso go na le motseletsele ya meletlo. O tlhalositse fa ban a le kgwelho ya baphadisanyi ba ba rekileng diletswa tse di seng turu tsa machiena mme ba inaakantse nabo mo mmarakeng ka ebile bone bas a ture ka jalo ba latlhegelwa ke theko. Le gontse jalo o kaile fa go le botlhokwa gore bareki ba bone ba ise gore diletso tsa tlhwatlhwa di ntsha modumo o o kwetsepa ebile go botlhokwa go hirisa diletso tsa mohuta o go itsa go ya go segwa tsebe ke diletswa tsa melotsana e e sa nnang sentle o ne o re o somarela madi. E re ka Motswana a rile metlhale ya khumo e mafaratlhatlha, e tlhoka balatedi, Rre Ketshabile ya bo e le monana yo o sa emiseng go lora. A re maikaelelo a gagwe ke go bula madirelo la moopelo, ka a lemogile gore mo kgaolong ya legare ba a latela kgakala ko Gaborone le metse e mengwe e metona. O kaile fa maikaelelo a gagwe e le go rekisa diletswa ka go farologana, dibuka tsa moopelo gammogo le moopelo ka go farologana ga one mme se se tona a rulaganya dithuto tsa go lshameka diletswa tseo. Rre Keshabile are dithuto tse di ta a bo di itebagantse le baithuti ka a lemogile fa lore le ojwa lo sa le metsi ka jalo tlhaloganyo tsa bana di tshwara ka pela go na le bagolo. A re lentswa a tla a bo a itebagantse le bana ga a kgaphele bagolo ba ba nang le lorato la kopelo ntle le bone o tla a bo a ba rulaganyeditse. Kwa bofelong o kaile fa a santse a apeile pitsa ya moopelo o a ikaelelang go o golola ka kgwedi ya moranang ka jalo o gwetlhile Batswana go ipaakanyetsa go o amogela ka lorato. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Tonki e a boga Kgokgontsho ya ditonki ke tiragalo e e anameng le le lefatshe leno mme ga go na ope yo o iphesang go tsaya kgato kgatlhanong le bosetlhogo jo. E rile fa a bua mo potsolotsong bosheng, kgosi wa Gumare Diteko Salepito a bolela fa se e le kgang e e diragalang malatsi otlhe. O tlhalositse fa tonki e itewa mo go feteletseng ke badirisi ba yone go dirisiwa melamu e o ka reng go bolawa tlou fa ba bangwe ba dirisa le ditshipi tota. Kgosi Salepito a re se se utlwisang botlhoko ke gore bangwe ba e betsa jaana le mororo yone e tsweletse e goga kgotsa e siana. Kgosi o buile gape kgatlhanong le go berekisiwa mo go feteletseng ga seruiwa se, a re motho o kgona go tlhola a e dirisa go lema kgotsa go goga matlhaku mme morago a e palame e ntse e lapile jalo. A re e tlaa bo e itewa mo go utlwisang botlhoko gore e ise mopalami kwa a batlang teng.Kgosi Salepito a re go lebega batho ba tlotla diruiwa tse dingwe go feta tonki, segolo jang pitse le kgomo. A re le fa le tsone di na le go kgokgontshiwa, ga tonki gone ke matlhotlhapelo.Kgosi o boletse fa tonki e le yone seruiwa sa konokono ka e le yone e dirisiwang mo go gogeng sekotsekara se e leng koloi ya kwa magaeng, go goga matlhaku le mapako a go aga tshimo ga mmogo le go tlhatlhela dikgomo. Kgosi o ngongoregile gape ka go tshujwa ga diruiwa ka tshipi ya lotshwao, a re batho bangwe ba tobeletsa tshipi e thata mme e tlogele ntho e e masisi. Kgosi Salepito o ikuetse mo setshabeng go emisa bosetlhogo jo.E rile fa a akgwa kgosi kgaba, mogolwane wa motse oo, Rre Bonang Kamanakao a re se ke kgang e e tshwenyang e bile e setse e tlwaelesegile ka batho ba itebisitse go sele. A re bosheng ba ne ba bona tonki e pannwe ka terata e bile e lebega e le mo botlhokong jo bo seng kana ka sepe ka e ne e tshologa madi fa e bofilweng teng. Rre Kamanakao a re tonki e ne e eme golo go le gongwe le go fula e sa fule mme e rile ba leka go e thusa ga retela ka e ne e lwa e sa batle motho fa thoko ga yone mme ya felela e sule ke lenyora, tlala le botlhoko.Rre Kamanakao o kopile morafe go tlhokomela tonki ka e le tlhaga gape e sa tshabelelwe ke malwetse.A re tonki ke yone e tsamaisang ditiro tsa moraka. O ne a fetsa ka go kopa Batswana go nna kelotlhoko fa ba bofelela diruiwa tsa bone go itsa go di kgama kgotsa go di gobatsa. society 9 Batswana ba kgatlhegela go ithuta Sefora Moemedi wa lefatshe la France, Rre Pierre Voillery, a re go nnile le koketsego ya Batswana ba ba kgatlhegelang go ithuta Sefora. Fa a bua kwa kalosong ya dialogane tsa DELF Junior mo Gaborone bosheng, Rre Voillery a re ngogola, Alliance Francaise Gaborone e kwadisitse baithuti ba le makgolo a mabedi masome a matlhano le motso ba dingwaga tse di farologaneng le go tsena dithuto ka go tlhatlologana ga tsone fa go tshwantshanngwa le ba le lekgolo lesome le botlhano ngogotlola. Go simolola kwa dikolong tsa puso tse di potlana go ya kwa go tse di kgolwane, a re baithuti ba le dikete tse tharo makgolo a mabedi le borataro ba rutuntshiwa puo ya Sefora ke barutabana ba ka tshwara lekgolo le masome a mane. A re ofisi ya gagwe e lomagane le ba French Institute, Mmadikolo, mokgatlho wa barutabana ba Sefora, Alliance Francaise Gaborone le ba lephata la thuto go tswa moding go rutuntsha barutabana. A re bokopano jwa malatsi a mabedi bo tlaa tswarwa ka kgwedi ya Phukwi monongwaga kwa e tlaa reng bo wela go ntshiwe buka e e tlaa phatlaladiwang le dikolo tsotlhe tse di rutang puo e. Rre Voillery a re ofisi ya gagwe e itumedisiwa ke go bo e na le seabe go diragatsa toro ya Batswana ba ba kgatlhegelang go ithuta Sefora ka jalo kgatlhego e e supa karolo e e botlhokwa mo matshelong a Batswana. Mookamedi wa Alliance Francaise, Mme Aurelle Gbeffa a re go ithuta puo e ntsha ke go tsalana le batho ba bangwe le go amogela dipharologanyo. Mme Gbeffa o tshwaetse gore ngwaga le ngwaga ka Mopitlo ba ipelela beke ya Francophonie ka meletlo e e farologanyeng jaaka kaloso ya dialogane. Ntle le meletlo, are monongwaga ba dirisanya le batho ba Congo ba ba mono ka jalo ba rulagantse setshwantsho sa motshikinyego se se ga gasiwang mo Botswana Television. Tse dingwe di akaretsa go iteisana borathana ga baithuti ba dikolo tse digolwane tsa Naledi le Ledumang, maitiso a mmino a Fete de la Musique kana bokopano jwa bo mmotlana ka malatsi a paseka. BOKHUTLO education 4 Mapodisi a tshwenngwa ke dikotsi Mookamela Mapodisi a Maun Superintendent Motlhaba Ramaabya a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mogo yone rre wa dingwaga tsedi masome marataro le boraro a latlhegetsweng ke botshelo morago ga gore koloi e ba neng ba tsamaya ka yone e pitikologe. Superintendent Ramaabya o ne a tlhalosa fa kotsi eo e dirafetse kgwedi eno e tlhola malatsi ale lesome le motso mo tseleng ya Shorobe-Maun. O ne a bua mo potsolosong le lekalana la BOPA bosheng. O ne a tswelela a tlhalosa fa bapagami ba le bararo bone ba robaditswe ka dikgobalo tse di masisi ko sepateleng sa Letsholathebe fa mokgweetsi ene a dule ka dikgobalo tse di potlana. O ne gape a tlhalosa fa ba tsweletse ka ditlhotlhomiso go bona se se ka tswang se bakile kotsi eo mme a tlhalosa fa moswi ene a santse ale ko setsidifatsing. O ne a tlhalosa fa ngwana yoo a ne a bona dikgobalo tse di masisi mme a tlhalosa fa a robaditswe kwa sepateleng sa Nyangagbwe. O ne a tlhalosa fa ngwana yoo le ene a robaditswe ko sepateleng sa Nyangabgwe ka dikgobalo tsedi masisi. O ne gape a tlhalosa fa ba itemogetse gore bana ba gatiwa ke dikoloi le mo malwapeng, a gakolola bakgweetsi go ela tlhoko le go tlhomamisa ka dinako tsotlhe gore bana gaba gaufi le dikoloi pele fa ba ka emelela mo malwapeng. Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Kago ya matlo ko Goshwe e atlegile E ne ya re go utlwa ka lenaneo la kadimo ya madi la go aga matlo la Turnkey, bangwe banni ba motse wa Goshwe mo kgaolong potlana ya Tutume ba ne ba seka ba ipona tsapa go ithusa ka lenaneo. Mo potsolotsong le BOPA bosheng, bangwe banni ba ne ba ikopanya le ofisi ya Self Help Housing Agency (SHAA) go tlhaloganya ka lenaneo le le gone go itse mosola wa lone. Mongwe yo o thusitsweng ka lenaneo leo, Rre Morapedi Jotia a re ka lenaneo le, o lemoga fa puso e na le maikaelelo a gore Batswana ba nne le bonno jo bo fang seriti. Rre Jotia o tlhalositse fa botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetoga morago ga gore a ikagele ntlo ya kamore tse pedi tsa borobalo, ya boitapoloso ga mmogo le ya boiteketso e e botoka ka tsone dithuso tsa lenaneo le. A re pele ntlo e e agwiwa, botshelo mo lwapeng la gagwe bo ne bo le bokete ka jaana o ne a tlhatlhagana fela le bana golo go le gongwe. O boletse gore ka nako ya Dipula, o ne a tswenwa ke bohutsana jo bo feteletseng ka a ne a sa farologane gope le le nonyane mo sentlhageng. Rre Jotia a re ka lenaneo le, o ne a thuswa ka didirisiwa di akaretsa, ditena, semente, dipolanka, mabati, le tse dingwe ka go farologana, mme gape o ne a thuswa ka go duelelwa moagi. Yo mongwe yo o akotseng lenaneo leno, Mme Thapelo Nfila a re se se mo itumedisang ka lone ke gore madi a kadimo o a duela a wetse dibete e bile o duela madi a a santsheng mokola. A re ka kgwedi o duela lekgolo le masome a robabobedi le bosupa a dipula mo lobakeng lwa dingwaga tse di masome a mabedi, mme a tlatsa ka gore madi a duelwa fela ntle le morokotso ope. Mme Nfila a re Batswana ba tshwanetse go lemoga botlhokwa jwa mananeo a tshwana a, ba seka ba nna ditlhong go ithusa ka lenaneo ka jaana go tshwana fela le motho a adimile madi kwa bankrng go aga mme a dire thulaganyo ga go a busa. Fa a tswa la gagwe, mokwaledi mogolo wa khansele potlana ya Tutume Rre Lawrence Madzinyane a re maikaelelo magolo a lenaneo le ke go thusa Batswana ba dituelo tse di kwa tlase ga dikete tse tharo go itirela bonno jo bo babalesegileng. A re moikopedi o thuswa ka didirisiwa tse di tlhokegang mo kagong a bo a duelelwa moagi mme a re mo ngwageng tse tlhano tse di fitileng, baikopedi ba le makgolo a le mabedi le masome a robabobedi le borataro ba filwe dithuso tsa lenaneo le. Rre Madzinyane a re khansele e dirile tumalano le baikopedi gore ba ka busa madi a kadimo ka go duela kwa bankeng, kana madi a a ka gogiwa mo dituelong tsa bone kgotsa ba ka tla go duela kwa khanseleng. Le fa go ntse jalo, Rre Madzinyane o supile fa bangwe ba ba thusitsweng ba tlhanogetse tumalano e ka jaana ba itlhokomolositse go duela. A re go botlhokwa gore baikopedi ba buse madi a gore maikaelelo a lenaneo a atlege, gape bangwe Batswana ba ba nang le keletso ya lenaneo ba kgone go bona dithuso. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Mamo o tshela ka digalase Lekawana le le dingwaga tse di masome mabedi le botlhano go tswa Masunga, Rre Nlisi Mamo ke mongwe wa banana ba ba tlhaga mo ga gabo e bile a tsaya kwebo ya gagwe ya go sega digalase ka thoafalo. Rre Mamo yo o neng a retelelwa ke lekwalo la boraro, o ne a inaakanya le lenaneo la banana go tsweledisa ditoro tsa gagwe ga mmogo le o ogola ba ga gabo mo lehumeng. Mo potsolotsong, o tlhalositse fa kgwebo ya go rekisa le go tsenya digalase e le nngwe ya tse di nwegang moro mo Masunga, a tlatsa ka go re e re le ntswa a atle a kopane le makgwere, ene le ba ga gabo ga ba lale le tlala, a supa gape fa a kgonne go ikagela fa a latsang tlhogo teng. Rre Mamo a re o ne a thusiwa ka P89 834 mme a kgona go ithekela didirisiwa tse di ka mo tlodisang melatswana. Go simolodiseng kgwebo ya digalase, Rre Mamo o tlhalositse fa go ne go na le tlhaelo ya digalase ga mmogo le ba ba thusang go di tsenya, ka jalo a lemoga fa seo se ka mo isa golo gongwe. O supile fa a rekisa mefuta ya digalase e le mokawana e akaretsa tsa matlo, diipone tse dinnye tsa dikoloi, digalase tsa mabati, a tlatsa ka go re o eletsa go atolosa kgwebo ka go rekisa digalase tse ditona tsa dikoloi. A re e re le ntswa kgwebo e e dira bontle, o itemogetse fa theko e le kwa tlase, segolo bogolo ka dikgwedi tsa Firikgong go fitlha ka Mopitlo. A re ga a jesiwe diwelang ke ba ba tshamekang koi ka kgwebo ya gagwe, a tlhalosa fa bangwe ba kopa go segelwa digalase mme e re morago ba bo ba sa di duelele ba tlhalosa fa e se tsone tsa dikeletso tsa bone fa bangwe ba ikanya go reka go sele. “Galase e turu mme fa o e segile ke ditshenyegelo tse ditona, bangwe ba re segisa digalase mme morago ba fetole mogopolo,” a tlatsa. A re seo se diga kgwebo ya gagwe ka a dirisa madi go reka digalase tseo kwa PG Glass kwa Francistown. Ntle le go aga bonno, Rre Mamo o supile gape fa a kgonne go itirela teseletso ya go kgweetsa, selo se e leng gore se mo solegela molemo ka a dirisa koloi thata go rwala dithoto tsa gagwe. A re o na le dikeletso di le dintsi ka kgwebo ya gagwe, ka jalo a kopa thotoetso mo Batswaneng gore a tle a kgone ditoro tsa gagwe. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ba gakololwa go fetola tiriso ya lefatshe Lekgotla la kabo ditsha la Tati le gakolotse baagi ba Masunga ba ba eletsang go direla temo le thuo mo masimong go tsenya kopo ya go fetola tiriso ya tshimo eo. Go ne go gakolola leloko la lekgotla leo, Rre Elliot Nkhwanana mo phuthegong ya kgotla kwa Masunga ka mafelo a beke. Rre Nkhwanana o ne a tlhalosa gore ga go a lebana gore ba fetole tiriso ya masimo pele ga go fiwa tetla ke lekgotla la kabo ditsha mme e bile ba lephata la temo-thuo ba ise ba dire tshekatsheko go bona gore ke mefuta efe ya go lema le go rua e e ka direlwang mo masimo. O ne a ba itsise fa ope yo o dirang temo le thuo mo tshimong ya gagwe a tshwanetse go dira jalo fela a sena go fiwa setlankana se se fetolang tshimo ya gagwe go kopanya temo le thuo, go tswa mo tirisong ya go lema fela. Rre Nkhwanana o ne a ba gakolola gape gore le fa ntswa go lema le go rua jaanong go ka direlwa gongwe, tshekatsheko ya ba temo-thuo e tlaa leba dintlha di le mmalwa go bona gore ke eng se se ka kgonang go direlwa mo tshimong go lebilwe le jone boatlhamo jwa yone. A re ka jalo balemi-barui ba tshwanetse ba itse fa go na le kgonagalo ya gore ba lekanyediwe palo e e rileng ya diruiwa. O supile fa ntlha nngwe e e tlaa tlhongwang leitlho ke go nonofa ga terata ya tshimo, ka jalo a gwetlha ba ba eletsang go fetola tiriso ya masimo a bone go ela ntlha e tlhoko. Rre Nkhwanana o ne a tsibosa phuthego ka tshwetso e lekgotla la kabo ditsha la Tati le e tsereng ya gore morafe o tsenye dikopo tsa gore diphuphu tse di anameng le metse ya kgaolo ya bokone botlhaba tse di nnileng teng pele ga go bewa ditsha tsa mabitla di ntshediwe ditlankana. A re tshwetso e e tserwe ka mabaka a akaretsa la gore go thibelwe phoso ya gore baswi ba epololwe fa go dirwa ditlhabololo mo metseng. Fa ba mo kgwa dikgaba, batho ba ne ba atla tshwetso ya go tsewa ga matlotla le magola, ba re go tlaa thusa go araba selelo se se golang sa tlhaelo ya lefatshe mo kgaolong ya bone. Ba ne ba itumelela gape kgang ya go bewa le go ntshediwa ditlankana ga diphuphu, ba supa fa ba ne ba ntse ba na le matshwenyego a gore ditlhabololo dingwe di tshwana le kago ya ditsela di ka nna tsa senya fa ba robaditseng baswi teng. BOKHUTLO society 9 ISPAAD e jele P44 million Mookamedi wa lephata la temo, Rre Galeitsiwe Ramokapane a re lephata la gagwe le dirisitse madi a fetang didikadike di le masome a mane le bone tsa dipula (P44 million) go lemela Batswana ka lenaneo la ISPAAD mo ngwageng wa 2013/14. Rre Ramokapane o boletse mo potsolotsong fa go lemilwe ditema dile 97 327.8, tsa batho bale 27 126, ba bangwe ba bone ba lemileng ka ditselana fa bangwe ba gasitse. A re le fa mo dikgaolong dingwe dipula di nele morago ga nako ya temo, gone bontsi jwa Batswana ba kgonne go baya ditema, mo e bileng ba solofela fa balemi bale mmalwa, bogolo jang mo dikgaolong tsa Mahalapye, Shoshong, Machaneng, Bobirwa, Boteti,Serowe le mafelo mangwe a kgaolo ya Bokone Botlhaba ba tla dika ba orile molelo wa mariga. E rile mogolwane wa lekalana la kanamiso dikitsiso mo lephateng la temo-thuo, Mme Boikhutso Rabasha, a itebagantse le dingongorego tsa beng ba diterekere, tsa go tlhoka go duelwa ka nako ntswa ba lemetse batho ka lenaneo la ISPAAD, a tlhalosa fa seemo seo se bakilwe ke go fela ga madi a neng a abetswe lenaneo leo. Mme Rabasha o tlhalositse fa mathata mangwe a kgoreleditseng go duela beng ba diterekere ka nako e e tshwanetseng ele go atlhama ga dikgaolo tsa lefatshe leno, le go tlhoka go dira sentle ga dibalamakgolo ntateng ya go kgaoga ga inthanete, mo a reng go kgoreletsa badiri ba lephata la gagwe ba ba lebaganeng le go dira dituelo tsa beng ba diterekere go dira tiro ya bone ka botswerere. O tlhomamiseditse ba lekalana la dikgang mo potsolotsong fa maikaelelo a lephata la temo-thuo ele go duela botlhe ba dituelo tsa bone di saletseng kwa morago mo nakong e e sa fediseng pelo, mme a kopa ba ba iseng ba bone dituelo tsa bone go wela dibete ka jaana ba tla baakanyetswa madi a bone mo nakong e e khutshwane. Mo puisanong le babegadikgang, beng ba diterekere go tsweng mo dikgaolong tsa Shoshong, Mahalapye le Machaneng ba ngongoregetse lephata la temo ka go tlhoka go ba duela ka nako ntswa ba lemetse batho e bile balemisi ba setse ba metile ditema tse di lemilweng ka ISPAAD, jaaka ene ele thulaganyo ya mmuso.Bokhutlo society 9 Kgokgontsho ya bana e ngomola pelo Kgokgontso mo baneng ba basetsana e supa gore ga gona dikgang tsa tekatekano mo merafeng e le mentsi. Mafoko a, a builwe ke mmueledi wa dikgang tsa kgokgontsho ya bana wa lekgotla la ditshaba(UNICEF), Rre Peter Siele kwa Bobonong bosheng. Rre Siele o tlhalositse fa 22.7 per cent ya bana ba basetsana ba dingwaga tse di lesome le boferabobedi ba tshela ka fa tlase ga kgokgontsho ya tlhakanelo dikobo e bile gape ba le mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare wa HIV. O supile fa go tlhoka tlhokomelo e e maleba le go itlhokomolosa bana e le nngwe ya mabaka a dirang gore bana ba felele ba le mo dikganyeng tsa tlhakanelo dikobo e se ka maikailelo. Rre Siele o tlhalositse fa bontsi jwa bana ba basetsana bo imisiwa ke borre ba batona. A re dipalo tsa dikgang tsa go ima ga baithuti ba sekole se segolwane sa Matshekge ke sesupo sa gore bontsi jwa bana ba, ba simolola go tlhakanela dikobo ba le dingwaga tse di kwa tlase. Rre Siele o tlhalositse fa bana ba dirisiwa ke letlhoko, gore ba tlhakanele dikobo le bagolo. Ka jalo o ne a kgothatsa dikereke le batsadi go ema ka dinao go tla ka ditsela tse ba ka emang kgokgontso ya tlhakanelo dikobo. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa tsa kanamiso mafoko la UNICEF, Mme Tuduetso Kelapile o tlhalositse fa dikgang tsa kgokgontso ya tlhakanelo dikobo le go dirisa ditagi phetelela ga bana go senyaisago ya lefatshe leno. Mme Kelapile o tlhalositse fa bontsi jwa bana ba dingwaga tse di kwa tlase ba setse ba sena isago e phatsimang ntateng ya ditagi le boimana. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Ezekiel Joel wa Bobonong, o ne a kopa batsadi go ema ka dinao go lwela tshireletsego ya bana. Bagokgo ba dikole tse dikgolwane ba supile fa bontsi jwa batsadi ba ikgatholosa dikgang tsa kgokgontso tse di amang bana. health 6 Lontone ya Zwenshambe e kokoanya madi Mo maitekong a go leka go ipelega, ba kereke ya Lontone ba lekalana la Zwenshambe ba sa tswa go tsamaya sekgala sa dikhilomethara di le lesome le botlhano, e le mogwanto o o duelelwang gotswa Masunga go ya Zwenshambe. Maikaelelo a mogwanto o, e ne e le go leka go kokoanya madi a a tla dirisiwang go aga le go feleletsa dikereke tsa metse mengwe e e okametsweng ke kereke ya Zwenshambe, e yone e leng ka fa tlase ga ketapele ya ga Moruti Dingani Mulale. Dikereke tse di okametsweng ke lekalana leo la kereke ya Zwenshambe di akaretsa tsa metse ya Mulambakwena, Mbalambi, Gambule, Sekakangwe le Kalakamati. Fa a bua kwa bokhutlong jwa mogwanto oo, Mookamedi wa Gaborone Motor Holdings, Rre Badeti Tibone, yo o neng e le molalediwa wa tlotla, o ne a akgola ba kereke eo mo tirong e tona e ba e dirileng. Rre Tibone o ne a akgola le botlhe ba ba neng ba thusa go kokoanyetsa kereke eo madi le botlhe ba ba neng ba ipha matsapa a go tsaya karolo mo mogwantong oo. O ne a tlhalosa fa a kgonne go kgobokanyetsa kereke madi a a kanang ka P50 000 mme a re o tshotse P29 300, fa a mangwe a tla goroga mo nakong e e sa fediseng pelo. Mo dipampiring tse di neng di filwe maloko go di tsamaisa ba kopa dithebenyana, go ne ga kgobokanngwa madi a a kana ka P5 320. E ntse e le ka mowa wa go tshwana le oo wa go ipelega, komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Sechele le banni ba motse oo, le bone e ne ya re ka lone letsatsi leo ba bo ba le mo mogwantong wa sebopego sa go tshwana le sa kereke ya Lontone; wa sekgala sa dikhilomethara di le lesome le motso, go tswa Makaleng go ya Sechele. Maikaelelo a mogwanto o, e ne e le go kokoanya madi a a tla dirisiwang go gokela matlo a le lesome le bobedi a VDC motlakase. Moatlhodi wa pele wa kgotla-kgolo ya ditsheko kwa Francistown, Rre John Mosojane, yo o neng e le ene motsamai-mogolo wa letsatsi, le ene o ne a akgola banni ba Sechele ka maiteko ao a ba a dirileng. O ne a kgona go kokoanya madi a a kanang ka P10 000 fa mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, Rre Charles Tibone ene a ntsheditse VDC ya motse oo madi a a ka tshwarang P1 000. Rre Mosojane o ne a gwetlha banni ba Sechele go dirisa madi ao mo go se ba se a kopetseng sone go na le go a dirisa mo ditirong tse dingwe di sele, a re le bao ba ba neng ba thusa mo go kgobokanyeng madi ao, ba tshwanetse ba bona maduo a one. O ne a ba gakolola go tsaya bonnyenyane joo, go ya go kgaola kwa Botswana Power Corporation, gore ba kgone go tsenya batho ba ba ka hirisang mo mantlong ao, mme e bo e le gone ba ka kgonang go nna ba duela BPC madi a a setseng ka dituelo tsa bahirisi. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Sechele, Mme Sebolaye Thokwa, o lebogetse Rre Mosojane kemonokeng ya gagwe le botlhe ba ba thusitseng ka sepe fela se se nnileng le seabe mo go reng mogwanto oo o atlege. Mme Thoka o tlhalositse fa go tlhoka motlakase mo matlong a VDC, e le kgwetlho e tona e e ba lebaneng ka jaana go sena ope yo o dumelang go nna mo go one. A re ke ka moo ba dirileng mogwanto wa go kokoanya madi, go leka go tsamaelana le dikeletso tsa batho le gone gore matlo a seka a felela e nna matlotla go sena yo o nnang mo go one. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Lerato le a bopaganya Bogogi jwa kereke ya Ninifi Apostol Daily Mission kwa Maun bo gwetlhile setshaba go nna le lerato. Go kopile jalo mookamedi mogolo wa kereke eo, Arch Bishop Gabaitsewe Mathemba mo molaetseng wa gagwe o a neng a o rola ka moletlo wa paseka kwa Maun. Rre Mathemba a re dikereke di tlwaelesegile ka mokgwa wa go kubetsana o a kaileng fa e le one o gogelang batho kwa thaelong. A re dikereke di rapela Modimo o le mongwe, ka jalo di tshwanetse go tshwaraganela lefoko la Modimo go fenya mmaba. O ne a tlhalosa fa mo thapelong ya bone ba tlotla le go rata dikereke tse dingwe ka le bone ba amogela seo go tswa kwa diphuthegong tse dingwe. A re ba rotloeditswe ke mokhanselara wa Bombadi/Thito, Rre Mmoedi Modiegi ka go ba fa lerato le dikgakololo. Rre Mathemba o bile a gwetlha dikereki go ikilela. A re bangwe ba itlhokomolosa tumelo ya bone mme ba inaakanye le botagwa ga mmogo le botlhokatsebe ka malatsi a paseka. E re go ntse jalo, Mme Obiditse Mosimanyane wa kereke ya UCCSA a re o gwetlhilwe ke lerato go ipelela malatsi a paseka le kereke ya Ninifi le ntswa kereke ya gagwe le yone e ne e tshwere mokete wa sebopego se. Le ene fela jalo, o gwetlhile dikereke tsotlhe go tshwaragana go fana maele a ka fa di ka itlhabololang ka teng. Kereke ya Ninifi e tlholega kwa Bobonong mme e na le makalana go ralala lefatshe leno. Diphuthego tsotlhe tsa yone di ne di phutlhaganetse kwa Maun go tla go keteka paseka. Fa godimo ga moo, kereke e, e ne e ipelela maiteko a yone a go kgona go duelela kgokelo ya motakase e e lopileng P22 000.BOKHUTLO religion_and_belief 8 Lenaneo la thuto le tswa maduo Mothusa tautona wa pele, Dr Ponatshego Kedikilwe a re o itumedisiwa ke ka fa puso e santseng e lemoga botlhokwa jwa lenaneo la thuto le le sekasikilweng, ka go le diragatsa mo go simolodiseng dithuto tsa bana ba ba tlhokolediwang go ya go simolola lekwalo la ntlha. Dr Kedikilwe o buile jaana kwa moletlong wa go ipelela dingwaga tse di masome matlhano wa sekole se sebotlana sa Ratholo bosheng, se gape se neng se alosa mophato wa bananyana. Moletlo oo, o ne o ketekwa ka fa tlasa ga setlhogo se se reng Dr Kedikilwe a re ka nako e a neng a eteletse lekoko le le neng le sekaseka seemo sa thuto ka fa e ka tokafadiwang ka teng, ditshwantsho tse ba neng ba di ntsha di ne di le maleba, mme a dumela gore dingwe tsa tsone di tlhokana le go sekasekwa gore di kgone go tsamaelana le boranyane jwa thuto ya segampieno. A re seo se ka kgonega fa batsaya karolo mo thutong ba ka itsetela adimo ba tswa ka ditharabololo tsa se se ka dirwang go itebaganya le tse di tlhokegang. A re Batswana ba tshwanelwa ke go bala masego a bone le go leboga fa ba leng teng mo thutong, a re dikgwetlho ga di ke di tlhokega. Dr Kedikilwe o supile fa lenaneo le puso e neng ya tla ka lone la gore thuto le ditshenyegelo tsa yone di tlhakanelwe ke batsadi le puso, e ne e le gore batsadi ba tsae karolo mo thutong. A re ofisi ya ga mogokgo le ntlo ya maranyana di tlaa nna teng fa nako e ntse e tsamaya, fela a lebogela gore ba na le matlo a borutelo a a lekanyeng. A re pele ngwana o ne a godisiwa ka go tshwaraganelwa ke motse, mo jaanong go nyelelang ka bonya. O kopile batsadi go boela kwa kgodisong ya bogologolo e ngwana wa mosetsana a neng a babalelwa ka go kganelwa go ja mae, fa basimane bone ba ne ba rutwa go gama le go disa, a re setshaba se tsenye letsogo mo kgodisong ya ngwana e e tsenang ka lenga la seloko, bana bainaakantse le ditagi kgalemo. A re puso e lemoga botlhokwa jwa kgodiso ya ngwana, ke sone se e abelang thuto madi a mantsi le mananeo a tshwana le a lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao. O gateletse botlhokwa jwa go tlhalosetsa bana bonnete le boleng jwa thuto, a re bana ba rutwe go itirela gore ba itse fa ba tshwanelwa ke go ja mofufutso wa phata. A re Botswana ke lengwe la mafatshe a a eletsegang, ka ditsamaiso le motheo wa lone o o lolamemg wa therisanyo. Dr Kedikilwe o ne a ribolola mokwalo wa go tshwaya letsatsi. Lebutswapele la sekole seo, Mme Gabagopolwe Mangadi yo o se tseneng ka bo 1957, o ne a tlhalosa fa ba ne ba tsenela kwa kerekeng ya London Missionary Society ka nako eo, mme ba ne ba dira sentle thata mo metshamekong le meopelo. Mogolwane wa thuto yo le ene e kileng ya nna moithuti wa sekole seo, Rre Otukile Kedikilwe, o ne a lebogela maduo a a ntshiwang ke go nna teng le tshimolodiso ya dikole tsa bananyana, a re mo nakong eno mo dikoleng tse dipotlana di le 755 lefatshe leno lotlhe ba kgonne go simolodisa dithuto tseo mo go di le 472. Mogokgo Kabo Kolanyane o ne a itela ka letlhoko la ofisi, go tlhoka yo o ka ba ithaopelang le tlhaelo ya dibuka. A re ngwaga le ngwaga fa dikole di bulwa, go tsaya lobaka go neelwa barutabana ba nakwana, seo se bo se busetsa dithuto le go digela maduo tlase. A re legale seo ga se ba kgobe marapo go ntsheng maduo. Fa a leboga mopalamente wa kgaolo, Rre Prince Maele a re sekole seo se alositse batho ba dithutego le maikarebelo a a kwa godimo mme a rotloetsa bana go tsoga ba na le seabe mo go ageng lefatshe leno ka thuto e le methale mentsi e se go bala le go kwala fela. Rre Maele yo gape e leng tona wa tsamaiso merero ya lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopho leswe o ne a abele sekole seo ditilo tsa bananyana di le 60 le ditafole di le 15 tse di tlaa dirisiwang gwaga o o tlang fa dikole di bulwa. Bana ba ne ba abelwe dimpho. BOKHUTLO education 4 Moruti o rera ka go lepa dipaka Rre Ikobadiah Mokwenaotsile ke moruti yo o tlhalosang fa a na le mpho ya go dupa dinaledi ngwedi le loapi go lepa dipaka, mme e rile a bona a na le tshesego ya go amogana tshedimosetso eo le setshaba, a bitsa matlhogoputswa le baruti ka ene go tla go tlhatlhelela kitso ya bone ka kgang eo, e le nngwe ya dipaakanyetso tsa dithapelo tsa pula. Batsaya karolo mo puisanong e, ebong baruti ga mmogo le bagolo, ba dumalana gore go lepa dipaka ke selo se se tswang goo lowe e bile go dirwa ka methale e e farologaneng. Ba tlhalosa fa go ka dirisiwa dilo di le mmalwa go lepa dipaka tse di tlang, mme dilo tseo di akaretsa loapi le tsotlhe tse di nnang mo loaping, lebopo ga mmogo le diphologolo. Mo godimo ga moo, ba boa ba a fa sekai gore le ka nako ya Jeso a tsholwa, banna ba ba botlhale ba bararo ba ne ba bona ka naledi gore morena o tshotswe, ka jalo ba e sala morago gore ba ye go mmona. Fa a latlhela la gagwe, Rre Lekgoa Pheto, 78, ene a re ka kitso ya bone bogologolo, ngwedi fa a palama, o tshwanetse go leba ka fa mojeng, fa a ntse jalo gatwe o tsholotse bolwetse, ka jalo go kaya tshiamo, mme fa ngwedi a ka palama a thulame, gatwe o a bo a hupile bolwetse. A re fa ngwedi a palama a thulame, ka nako eo bana ba tlhaselwa ke malwetse a tshwana le go tsholola, malwetse a phogwana mme le dintsho di ye kwa godimo. Rre Pheto o tlatsa ka gore go na le se ba se bitsang pitso, e e lebegang jaaka lesedi le le dikologileng ngwedi kgotsa letsatsi, mme e ne e re fa ba e bona, ba bo ba solofela pula. A re se sengwe se ba neng ba se dirisa ke dirogabalopa, tse di lebegang e kare di tshegeditse letsatsi ka fa molemeng le ka fa mojeng, mme fa letsatsi le ka phirima le na le dirogabalopa, seo se kaya gore pula e tla tla, mme e le kgakala. Bagolo ba tswelela ba bolela fa go na le dinonyane dingwe tse le tsone e neng e re fa ba di bona kgotsa ba di utlwa ba bo ba kgona go lepa seemo sa paka e e tlang. Rre Shiaka Molemi, a re dinonyane di tshwana le mmaphuphana, korwe le moroka-a-pula ke dingwe tse ba neng ba itse gore fa ba utlwa melotsana ya tsone, ba a bo ba itse fa di bega pula. “Moroka-a-pula ba bangwe ba e bitsa kgotlamedupe, yone fa re ka utlwa e lela e re tjoko tjoko tjoko tjoko! re a itse gore re ka solofela pula, mme fa e ka lela e re tswii tswii tswiii! re a itse gore e tlhobosa pula,” ga tlhalosa Rre Molemi. Rre Molemi a re le ditshidinyana dingwe jaaka khukhwane nngwe e e mogatlanyana, e bone ba itseng gore fela fa e ka itaya fa fatshe ka mogatla, gone foo fela pula e a na. A re le e nngwe e e tlotlegileng e khibidu ka mmala, e e bidiwang gotwe Modimo, yone e bonala thata ka nako ya dipula tse di namagadi. Moruti Mokwenaotsile o ne a kaya naledi e e ntseng e bonala mo malatsing a a neng a feta, e e phatsimang thata mme e setswe morago ke e nnye fa tlase ga yone. A re ene ka leitlho la mpho ya gagwe, naledi eo ga e a tshwanela gore e ka bo e eme fa e leng teng. A re e tshwanetse gore e ka bo e setse e kgabagantse, mme fa e leng teng, e bapotse dipaka ka jalo le fa pula e ka na, e tla tla ka pula e e serame e e sa siamelang dijalo. Fa a akgela, Rre Molemi a re naledi eo ba itse fa e bidiwa kopa-dilalelo, e ka yone ba itseng e tsile go kopa dijo mme ba dumela e tsisa kgora. Mme o kaya gore e sale a tsholwa, mo dingwageng tse di masome a supa le bobedi tse a di tshidileng, ga a ise a bone kopa-dilalelo e salane morago le e nnye e e ntseng e bonala mo malatsing a a ntseng a feta, ka jalo ga a tlhaloganye gore se se ka tswa se raya eng. Bagolo, ebong Rre Pheto le Rre Molemi ba na le maitemogelo a dinaledi tse dingwe jaaka naledi ya kgogamasigo, e ba reng fa letsatsi le phirima yone e a bo e tlhaba, le ya mphatlalatsane e e tswang fa masa a sa, e kaya fa masa a sele. Dinaledi tse dingwe tse ba di kaileng ke tse ba reng di nna di tsamaya mmogo di lepalepane, e nngwe gotwe ya kgora, fa e nngwe gotwe ya tlala. Ba re fa ya kgora e ka palamela fa godimo ga ya tlala, ba itse gore ba tlaa dika ba bone paka ya kgora, mme fela fa ya tlala e ka palamela kwa godimo ga ya kgora, ba tlaa itse go ipaakanyetsa paka ya tlala. Rre Pheto a re ka kgwedi ya Motsheganong a tlhola malatsi a le lesome le botlhano, go bonala naledi e nngwe e e bidiwang magakgala, e a reng e tshuba dijalo jaaka mabele go sekaenyana, e di omisa go di baakanyetsa thobo. O tswelela a re mme fa e ka re ka Seetebosigo a tlhola malatsi a mabedi le botlhano, fa naledi e e bidiwang Naka e ka benya e tlaa bo e fisa dijalo thata, e boe e fise gotlhe le bojang tota, mme naga e sale e shele e ntse tshetlha. Naledi ya selemela yone go bolelwa fa e ne e bonwa ka kgwedi ya Tlhakole mme yone fa e bonwa e phirima, Motswana o ne a itse gore e mmolelela fa ngwaga ya temo e wetse. “Go na le naledi e nngwe e e tleng e tsapoge, e kgabaganye ka lebelo e bo e felela e nyeletse. A re ka nako eo, e a bo e ne e latola kgosi,” ga wetsa Rre Pheto ka dinaledi. Fa a ntsha ntlha ya bofelo, Rre Molemi a re le metsamao ya phefo e ne e dirisiwa go lepa dipaka.A re phefo e e tswang botlhaba e ya bophirima ga e a siama, mme e e phailang e tswa bokone e ya borwa e kaya botshelo. religion_and_belief 8 Makhaselara a tshwenngwa ke tlhaelo ya dikoloi Makhanselara a kgaolo ya Borwa a re a tshwenngwa ke go tlhaela ga dikoloi mo maphateng a puso ka kakaretso, bodiredi, tirisano mmogo le kwelo tlase ya itsholelo e ba bolelang fa ba sale ba e lemogile ba ise ba nne makhanselara. Mo thuto-puisanong ya go ba suga ka tsamaiso ya dikhansele kwa Kanye bosheng, makhanselara a boletse fa ba solofeditse Batswana gore ba ya go dira ka natla go ba tlhabolola go gaisa ba ba neng ba ntse ba tshwere. Makhanselara a boletse fa tlhaelo ya dikoloi e le mmaba o motona thata ka gore ditlamelo di ya morago ga nako kwa batlhophing, mme go dire gore ba ba tlhoboge. Ba boletse fa mananeo a puso a le matsorotsoro e bile a le mantle mme go a diragatsa go le thata ka ntata ya tlhaelo ya ditsompelo, boeteledipele jo bo senang boikarabelo le go tlhaela ga madi. Ba boletse fa maikaelelo a bone e le go tla go bereka mmogo le bogogi ja maphata a puso otlhe go balelwa bogosi, molaodi, ba kabo ditsha le khansele. Ba solofeditse fa ba tlaa dirisana mmogo le dikomiti tsa metse go tshwaraganela ditlhabololo le go di rulaganya ka letlhoko la tsone. Ba re ba ngongoregela gore dingwe tsa ditlhabololo di sale di nna mo lenaneong la ditlhabololo mme nako kgolo ke eno, di ntsheditswe madi mme di nna di seegelwa fela fa thoko. Mo dikgannyeng tse dingwe motlhatlhobi wa dibuka mo khanseleng ya Borwa, Rre Mompoloki Maswabi o kgothaditse makhanselara go thusana le puso go lwantsha tshenyetso setshaba e e gaketseng mo maphateng a puso. Rre Maswabi o ba kopile go nna le boikarabelo mo go begeng sengwe le sengwe se se belaesegang se sa tsamaye sentle kwa go lebaneng gore tshenyetso setshaba e seka ya bona phatlha. O ba rotloeditse go nna batlotlegi ba ba ka sekeng ba inaakanye le tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo. O boletse fa 10% ya batho e le bone fela ba ba tshabang tshenyetso setshaba lebaibai, fa 80% e le ba ba fa gare, mme 10% e le bommampodi ba tshenyetso setshaba. A re mo maphateng a puso tshenyetso setshaba e a ronoka mme a re kgang e e dirwa ke mabaka a mantsi thata, kgang e tona e le pipa molomo. O kopile makhanselara go nna leitlho la setshaba ka gore tshenyetso setshaba e diga itsholelo ka bokete jo botona. Makhanselara a dumelane ka bongwe fela ja pelo gore tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo di atile bobe bogolo jang mo dikgaolong tsa kabo ya diteseletso, dikago, sepodise le ipapatso. Ba boletse fa seo se dirwa ke gore baokamedi ga ba tsenye leitlho le le tseneletseng mo ditirong tsa puso mme ba solofeditse go itsolopaganya go laola seemo. BOKHUTLO politics 7 Kgathi o tlhalosa phetolo molao wa bogodu jwa leruo Bakwena ba amogetse gore Rre Lawrence Mhaladi a tlhomiwe mothusa kgosi kwa Molepolole. Kgosigolo ya Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III o boletse mo phuthegong ya kgotla kwa Molepolole bosheng fa a itumeletse ka fa Rre Mhaladi a berekileng ka teng, ka jalo a bone go tshwanela go mo dira mothusi wa gagwe. Phatlha ya mothusa kgosi e bakilwe ke go tlogela tiro ga ga Kgosi Norman Bakwena ka lebaka la bolwetse ngogola. Kgosi Kgari o supile fa a sale a dira le Rre Mhaladi go simolola ka ngwaga wa 2002. A re Rre Mhaladi o simolotse e le kgosana mme a tlhatlosiwa maemo go fitlhella a tshwara a moemela kgosi yo mogolwane. A re mo nakong e ba ntseng ba dira mmogo, Rre Mhaladi o supile e le motho yo o boikanyego e bile a kgona go gakolola. Le fa go ntse jalo bo rangwane-a-kgosi ga ba dumelane le tshwetso e. Mongwe wa bone, Kgosi Keineetse Sebele a re ba lekile go gakolola Kgosi Kgari gore ga ba kake ba tsenya motho yo e seng wa bogosi mo maemong a bothusa kgosi, a re se se kile sa baka kgotlhang mo morafeng ka ngwaga wa 1969. O kopile Bakwena go tsaya malebela mo merafeng e mengwe e tshwana le Bangwato le Barolong, e e neng ya nna le tlhakatlhakanyo morago ga go tlhopha batho ba e seng ba bogosi bathusa kgosi. Kgosi Sebele o boletse fa ba ne ba kopa thuso kwa go Kgosi Mosadi wa Balete le Kgosi Malope III wa Bangwaketse go thusa Kgosi III go tlhopha mothusa kgosi. O ne gape a supa fa ntlo yotlhe ya bogosi e sa rerisiwa, ka bana ba bangwe ba ga Kgosi Motswasele ba sa bolelelwa ka thulaganyo ya go baya Rre Mhaladi mo maemong. Kgosi Kgosimotse Sebele ene o ne a re go tshwanetse ga elwa tlhoko ka mothusa kgosi o ka nna le sebaka sa go tshwarelela bogosi fa kgosi a sa kgone go nna mo setilong ka mabaka mangwe. Kgosi Kgari III o ne a tlhatswa mafoko a, a tlhalosa gore ka molao o o tsamaisang bogosi wa Bogosi Act, morafe ke one o tlhomang motshwarelela kgosi, ka jalo ga go reye gore mothusa kgosi o ka tsaya maemo ao. Mo dikakgelong tsa bone, banni ba ne ba supa fa ba amogela Rre Mhaladi go nna mothusa kgosi, ba kaya fa e le senatla e bile a ikanyega. Le fa gontse jalo, a le mongwe, Rre Clement Kgosiimang ke ene fela a supileng gore ga a dumalane le mafoko a kgosi a supa gore tsamaiso ya Sekwena ga ya salwa morago. Rre Thuba Koontse o ne a bala temana mo molaong wa bogosi, o o fang kgosi tetla ya go tlhopha mongwe le mongwe go nna mothusi wa gagwe, a supa fa a dumelana le kgosi. Le fa go ne go dumelanwa, bangwe ba ne ba supa fa ba le sebete se molangwana ka botsogo jwa ntlo ya bogosi, ba kopa gore go nne le kagiso magare ga ga kgosi le borangwaneagwe. crime_law_and_justice 1 Mo-na-le bogole o a ikgaratlhela Monana wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi wa Kisa kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa o boletse fa go nna le bogole go sa mo itse go itshedisa. Monana yo o dirileng mophato wa boraro o nnile lesego go nna mongwe wa ba ba akotseng lenaneo la nyeletso lehuma ngogola. A re o lebogela puso ka le bone e ba tsaya tsia. O supile fa puso e tshwere ka natla go lwantsha lehuma le go thusa ba ba dikobo dikhutshwane. Rre Thebe Thebeyapelo o tlhalositse fa a kgaogile letsogo la moja morago ga go amega mo kotsing ya tsela ka 2004. A re morago o ne a nna le bothata jwa dilo di le dintsi, nngwe ya tsone e le go kwala ka e bile a ne a dirisa letsogo leo go kwala. O supile fa a ne a seka a nna fela mme a ithuta go dirisa letsogo le lengwe ka motho o ka se dire sepe a sa itse go kwala. O kaile fa morago ga kotsi a ne a fiwa madi ke ba MVA mme a ikagela ntlo a bo a e hirisa gore a itshetse le go mo thusa mo go tsa bongaka. O tlhalositse fa mo nakong eno a kgona go dira sengwe le sengwe se se ka dirwang ke motho a na le matsogo a mabedi. A re o kgona go dira lesaka, go rema matlhaku, go apaya le gone go gama tota. O tsweletse ka go tlhalosa fa puso e ne ya mo isa sekoleng kwa Tlokweng Rehabilitation Centre ka 2009 go ya go ithuta go lema merogo, mme a seka a atlega ka mmu wa Kgalagadi o sa siamela temo. A re o neetswe dipudi di le some, tse di namagadi di le borobabongwe le phoko e le nngwe. O tlhalositse fa di atile le fa leuba la ngogola le mo amile fela thata ka a latlhegetswe ke dipudi di le nne le potsane. Rre Thebeyapelo a re ka leruo le dira sentle mo kgaolong ya Kgalagadi, o solofela fa a tlaa fitlhelela ditoro tsa gagwe. O kaile fa maikaelelo a gagwe e le go oketsa dinku tseo ka di le bogadi bo gaufi e bile di dira botoka mo mafelong a a sekaka e bile a na le dithaba. A re leruo le batla tlhokomelo e ntsi ka e bile dibatana di dintsi mo kgaolong ya bone. O tsweletse a re le ene fela jaaka bontsi o lebanwe ke kgwetlho ya metsi mme a tlhalosa fa se, se sa mo nyemise moko ka a rata thuo ya dihutshane fela thata. A re kgwetlho e nngwe ke gore ga gona mmaraka wa dihutshane kwa go bone ka jalo ba rekisetsa boradibutshara mme dituelo di tla morago ga lobaka. Rre Thebeyapelo a re o kopa puso gore e ba ise dithutong tsa leruo gore ba oketse kitso e ba nang le yone. O kaile fa mo nakong eno madinyana a a a bonang a a kgobokanyetsa go reka letsogo la maitirelo gore a kgone go dira tiro ya gagwe ka manontlhotlho. O rotloeditse ba-na-le-bogole jaaka ene gore ba se nne fela ba lebeletse mo pusong, a re ba inaakanye le mananeo a puso ka e otlolotse letsogo. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Barena o lebogela seromamowa Mme Bolotsang Barena wa Nata kwa kgaolong potlana ya Tutume a re o ntse a nna a le nosi a sena yo a ka tsayang dikgang le ene. O tlhalositse fa a latlhegetswe ke pono mme seo se thatafaditse botshelo jwa gagwe le go feta ka a sa kgone go etela ope. Mme Barena yo o dingwaga di masome a robabobedi le bongwe, ke mongwe wa ba ba abetsweng diromamowa mme o tlhalositse fa seo ele se gotweng pelo boela mannong mmatla sa gagwe o se bone ka ga a bolo go eletsa go utlwa se se diragalang mo lefatsheng ka bophara mme a sa kgone. O lebogile puso go bo e na le ponelopele ya kgona go lemoga le go bona gore mongwe motho o tshwanetse go tshela jang gore a seka a itlhoboga mo botshelong. O tsweletse a re, e re ntswa a sa bone, fa a utlwa dikgang o kgona go bona tiragalo eo ka tlhaloganyo. A re o lebogela mpho eo fela thata, a tlhalosa fa a rata thulaganyo ya tatediso ya dikgang ka jalo a re seromamowa seo se tla nna fa tlase gagwe gore a seka a tlolwa ke dikgang. Mme Ketloeditswe Oalotswe le ene o gateletse mafoko a ga Mme Barena ka go supa fa le ene a bone mopati yo o tla a mo tseelang dikgang. A re bodutu e tla nna selo sa maloba mo go ene. Mme Oalotswe o ile a bolela fa a nna a le nosi jalo a bolawa ke bodutu ka a sena yo a ka tsayang dikgang le ene jaloo tlhalosa fa mo nakong eno, batho ba tla re ba feta fa lelwapeng la gagwe ba gakgamale ka dikgang tsa waelese di kgona go tshegisa motho le fa a le nosi, jalo o itumeletse thuso eo fela thata. Diromamowa tseo ke tse di ntshitsweng ke tautona a di rekela bagodi ba ba tlhokang e bile ba nna ba le nosi mo malwapeng morago ga go lemoga fa ba bolawa ke bodutu ka ba sena ba ba ba tseisang dikgang. Kwa Nata go abetswe bagodi ba le masome a le marataro le bongwe. society 9 Kwadiso ya ditsha e sa le kgwetlho Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Tati, Rre Godfrey Habana a re lekgotla la gagwe le santse le lebanwe ke kgwetlho ya go kwadisa ditsha ka jaana le ise le kgone seelo sa go kwadisa ditsha tse di mo kgaolong. Rre Habana o buile jaana kwa moletlong wa ngwaga le ngwaga wa modulasetilo wa lekgotla leo, wa go ipelela matsalo a Morena kwa Masunga bosheng. O tlhalositse fa kwadiso ya bone e santse e gata mo masomeng a marataro le bobedi mo lekgolong, palo e a tlhalositseng fa e le kwa tlase thata, ka jalo a re go botlhokwa gore maloko a lekgotla le bodiredi ba tsholetse dinao. Le fa go ntse jalo, a re le ntswa go na le dingwe tse ba sa di kgonang, fela o itumedisiwa ke gore ga se tshoo kwa ga Motshodi. A re ba ne ba di kgona ka ntlha ya tshwaragano magareng ga bone e le maloko le bodiredi. Rre Habana a re o dumela gore ka tshwaragano ya bone mmogo le ba-na-le seabe ba bangwe, ba ka kgona tse ba solofetseng go di diragatsa, a kopa gore mo ngwageng wa 2018, go seka ga letlelelwa ka gope gore go nne le dingongorego tse di ka tswang mo setshabeng. A re go botlhokwa gore bodiredi jwa Tati Land Board ba itshekatsheke, mme ba fetole ka fa go ntseng go dirwa dilo ka teng, go tlhomamisa gore ba fedisa dilelo le dingongorego tse gantsi setshaba se lelang ka tsone. A re ba tshwanetse ba itlama go tla ba thusa setshaba ka thuso nngwe le ngwe e se tlaa bong se e tlhoka. Motshwarelela mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Tati, Rre Martin Nzehengwa le ene o ne a supa tlhobaelo mabapi le kwadiso ya ditsha. A re ba tshwanelwa ke go dira namane e tona ya tiro ka jaana go supagetse fa batho bangwe ba kopanetse dinomoro tsa ditsha mme go le mo maruding a bone go netefatsa gore ba baakanya ketsaetsego eo. Mo go tse dingwe, motshwarelela mokwaledi o ne a bolela fa lekgotla la bone le kolotwa madi a a seng kana ka sepe mabapi le dituelo tsa tiriso ya lefatshe, selo se a tlhalositseng fa se tlhokana le gore ba tswe ka maano a go phutha madi ao. A re le ntswa maiteko a bonala mo lekgotleng leo, fela ga go a lekana, ka jalo ba tshwanetse ba loma molomo wa tlase go diragatsa maitlamo a lekgotla le go kgona tse di solofetsweng mo go bone ke setshaba. Rre Nzehengwa o ne a bolela fa maikaelelo a moletlo ese go ipelela keresemose fela, mme gape o thusa go itshekatsheka le go kopana le ba -na-le seabe ba bangwe. BOKHUTLO politics 7 Lephata le ruta badiri ka HIV/AIDS E ne ya re bosheng ba lephata la pereko le selegae ba tshwara letsatsi la go rutuntsha babereki ka tse di amang mogare wa HIV le ka fa ba tshwanetseng go itshwara le go tshwara ba ba amegileng ka teng. E rile a amogela batsena moletlo oo, mookamedi wa lephata la pereko le selegae mo Selebi Phikwe, Rre Mothusi Komane, a tlhalosa fa mogare wa HIV o le kwa godimo mo toropong ya Selebi Phikwe, mo go tlhokang gore Batswana ba fetole boitshwaro jwa bone. O tlhalositse fa HIV/AIDS e gapa badiri mo ditirong ka go farologana, ke ka moo ba boneng go le maleba go dira thulaganyo ya go laletsa bana le seabe go tla go tlhatlhelela badiri ba lephata la bone ka tse di amang bolwetse jwa AIDS. Rre Komane o tlhalositse fa bangwe ba sa ntse ba na le bothata jwa go ikamogela, le go tswela mo pontsheng, gore batle ba kgone go bona dithuso tsa bongaka. O kopile ba lephata la pereko le selegae go phuthologa fa ba bua ka tse di amang bolwetse jwa AIDS le gone go amogela ba ba amegileng, gore le bone ba tle ba ikamogele. E rile a ema badiri ba lephata la pereko le selegae ka lefoko, modiri go tswa kwa mokgatlhong wa ‘Silence Kills’ mo Selibe Phikwe, Rre Othusitse Katlholo, a tlhalosa gore o itumetse thata go bo ba bone go le maleba go rulaganya thuto seka dipuisano ya go nna jaana, ka go supagetse fa go le gantsi dikgang tsa kgethololo di utlwala thata mo ditirong. Rre Katlholo o tlhalositse fa diemo di tshwana le lehuma le tumelo ya Setswana ya gore monna ke selepe, e le tsone di rotloetsang kanamo ya bolwetse jwa AIDS. O kothaditse batsena thuto se ka dipuisano go itekanya merwalo jaaka go fokotsa dikoloto, ka le tsone di ka dira gore motho a bo a ka nna le bakapelo ba feta bongwe e le go leka go thiba letlhoko le motho a tlaabong a na le lone. Rre Katlholo o supile fa kgodiso ya ngwana le yone e ka nna le seabe mo go anamiseng mogare wa HIV. A re bana ba tshwanetse go rutwa go ikemela ka nosi, a tlhalosa gore ngwana wa mosetsana o tshwanetse go rutiwa ditiro tse di farologaneng di tshwana le go phatsa dikgong gore e re kamoso a kgone go itirela, Fela jalo, a tlhalosa fa le ngwana wa mosimane a tshwanetse go rutiwa ditiro tse di dirwang ke ngwana wa mosetsane. O tlhalositse fa ngwana a ithuta thata mo go tse a di bonang ka matlho go na le tse a di utlwang, ka jalo batsadi ba tshwanetse go itshwara sentle fa pele ga bana. Mogakolodi go tswa kwa mokgatlhong wa Silence Kills, Mme Charity Manyepedza, o tlhalositse fa dipatlisiso di supa fa go sa ntse go na le kgethololo mo diofising ka bophara. A re batho ba sa ntse ba na le go anamisa seemo sa ba bangwe mo ditirong mme a tlhalosa gore ga go letlelesege, e bile motho o ka tseelwang dikgato tse di gagametseng go dira jalo. Mme Manyepedza o gakolotse badiri go phuthologa go itekodisa bagolwane ba bone mo tirong gore motho wa go nna jalo a tle a kgone go gololesega fa a tshwanetse go ya go bona ba bongaka. O gakolotse badiri ba lephata la pereko fa Silence Kills e le leloko la mokgatlho wa BONELA ka jalo fa mongwe asa tseega sentle kana seemo sa gagwe sa mogare se tsuulotswe, o ka kgona go itshwaraganya le bone gore motho wa go nna jalo a tle a tseelwe dikgato tse di maleba. Thuto seka dipuisano e, ene e tshwaretswe kwa diofising tsa pereko le selegae, kwa go neng go laleditswe maphata a tshwana le la botsogo go tla go ruta badiri ka fa ba tshwanetseng go itshwara ka teng fa ba amilwe ke bolwetse jwa AIDS. Mooki go tswa kwa sepateleng se segolwane sa Selebi Phikwe Mme Ndapiwa Ngewa o tlhalositse fa bolwetse jwa AIDS bo ilelwa jaaka botsetse. Mme Ngewa o tlhalositse fa e le ba bongaka ba rotloetsa molwetse yo o setseng a simolotse go nwa diritibatsi tsa mogare wa HIV go ikgapha mo nnotaging le gone go dirisa sekauso ka nako ya tlhakanelo dikobo. O tlhalositse gore fa motho a setse a simolotse go tsaya diritibatsi ga a tshwanela go di tlogela kana go di tlodisa ka gope. Mme Ngewa a re pele ba neela molwetse dipilisi ba mo ruta ka ditlamorago tsa kalafi ya tsone. Bokhutlo health 6 Gare o dira ditlatlana ka mokgwa o mosha Mme Seipone Gare wa Shorobe mo kgaolong ya Nhabe o itshetsa ka go loga ditlatlana ka go kopanya mokolone le sekhakha. Fa a buisana le Ke ka moo a kopanyang sekhakha le mokolwane go tla ka mekgabisa le metswako ya sesha. Mme Gare o loga ditlatlana, maseka, meseme le mekgabisa ya mo matlong. A re o simolotse tiro e a sa le mmotlana. A re ka go twe tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng, o kwataboloditse kitso ya go loga mo go mmaagwe go simolola ka 1974 a le dingwaga tse thataro. “Ke simolotse go loga ditlatlana le mekgabisa ke le dingwaga tse thataro. Mo nakong eo fa o le ngwana wa mosetsana o ne o tshwanelwa ke go thusa batsadi ba gago ka ditiro tsa lelwapa. Ke ka moo ke neng ka ela mme tlhoko fa a loga mme ka tsaya botsipa jo,” ga tlhalosa jalo Mme Seipone ka monyenyo. Mme Gare o tlhalosa fa mo bogompienong a bereka a tsentse marapo dinameng ka gore paka ya bajanala e simologile, ka jalo ba tshwanetse go mo fitlhela a feditse bontsi jwa dilwana tsa gagwe. A re le ntswa ngwaga ono palo ya bajanalana ene e le kwa tlase ka mabaka a sejana sa lefatshe, letseno ke le le nametsang ka a sa lale ka tlala. A re bajanala ba nna ba etela motse wa bone go tla go reka dilwana tsa bone, a tlatsa ka go re tse dingwe ba di romela kwa Maun le madirelo a a fitlhelwang koo. A re ba thusiwa thata ke bajanala ba ba fetelang kwa mafelong a tshwanang le boMababe le Khwai ka ba ralala motse wa bone, mme ba phamole dilwana di le mmalwa mo marekisetsong a bone. A re o baya dingwe tsa dilwana tsa gagwe kwa Shorobe Baskets ka ke gone kwa bontsi bo etelang teng. Le fa go ntse jalo, Mme Gare o tlhalositse fa a a ise a thusiwe ka lenaneo lepe la puso. O boletse fa a eletsa go godisa kgwebo ya gagwe ka jaana e kgonne go mo tsenyetsa ngwana sekole le go tsenya phaletshe mo ntlong. Mme Gare a re dingwe tsa dikgwetlho tse a kopanang le tsone ke go bona matlhare a mokolwane. A re mo nakong eno ba tsaya bontsi jwa mokolwane kwa Shakawe. O boletse fa a tshwanelwa ke go dirisa dipoelo tse dingwe go reka didirisiwa, mme a re ka didirisiwa tse di bonwa kgakala, o felela a di reka boturu, selo se a reng ke poelo morago. Mme Gare a re ga a kgone go ya go itseela ditsompelo kwa nageng ka jaana go le kgakala mme a re fa puso e ka ba thusa ka go tsosolosa Shorobe Community Trust go ka nna botoka ka jaana ba ka ba thusa ka koloi go ya go bapala ditsompelo. “Ke ka rata go kopa batho ba Shorobe gore ba ikemele ka dinao ba dirise ditalente tsa bone gore ba itshetse, re mo nageng e e humileng, mme ke rona fela re ka ikhumisang ka go dirisa lehumo la naga” ga latlhela Mme Gare. A re o eletsa gore ba lephata la kabo ditsha ba mo abele setsha sa kgwebo, a tlhalosa fa a batla dithuso tsa madi tse di ka mo kgontshang go godisa kgwebo ya gagwe go nna le marekisetso a e leng a yone. O ne a wetsa ka go re o ka itumela fa a ka supa dilwana tsa gagwe kwa ditshupong tsa Gaborone. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Mogokgo o tshwenyega ka bana ba sekole Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Xere mo kgaolong ya Boteti Mme Boikanelo Makosha a re o tshwenyega ke bana ba ba tlogelang sekole. Mme Makosha o buile jalo fa a amogela dimpho tse di tswang mo babereking ba meepo ya Orapa, Letlhakane le Damtshaa ba lekalana la tsa Itshireletso ka Labone. Babereki ba, ba abetse bana ba sekole seo didirisiwa tsa thuto, tsa go tlhapa, mesangwana ya bomme, diphaleche le diaparo. A re mo ngwageng ono, go setse go dule bana ba le bane mo sekoleng, ba le bararo mo palong eo e le ba lekwalo la bosupa fa a le mongwe a ne a dira lokwalo lwa borataro. Mme Makosha a re seemo se se a tshwenya ka jaana batsadi ba sa dire maiteko ape a go rotloetsa bana go tsena sekole. O tlhalosa fa sekole sa gagwe se sa dire sentle mo dithutong, a supa fa ka 2014 ba bone maduo a 36 per cent, ka 2015 ba dira 17 per cent, fa ka 2016 ba ne ba dira 38 per cent mme 2017 gone ba dirile 50 per cent. A re maikaelelo a bone ke go dira 70 mo ngwageng ono, a tlatsa ka gore ba dira ka natla go tokafatsa maduo. Mme Makosha o boletse fa sekole se se butswe ka 2004 banni ba Xere ba sena go hudusiwa go tswa kwa CKGR. O tlhalosa fa sekole sa gagwe e le sengwe sa tse tlhano tse di kgakala le ditlamelo tsa kgaolo ya Boteti. Sekole sa Xere se na le baithuti ba le lekgolo masome a ferabobedi le bongwe mme mo go bone ba le lekgolo le masome a mane le botlhano e le ba ba thusiwang ke ba boipelogo fa ba le bane e le masiela. Mme Makosha a re ba na le lenaneo le ka lone bana ba fiwang dijo mo sekoleng ga bedi mo letsatsing ka jaana bane ba itemogetse gore bana ga ba je sentle kwa malwapeng. A re sekole sa gagwe se na le barutabana ba fera bongwe ba ba rutetsweng tiro, fa a le mongwe e le yo o hirilweng ka nakwana, ba ditiro tse dingwe ba le batlhano le ba le lesome ba tirelo setshaba le baithaopi ba Ipelegeng. Mme Makosha a re fela jaaka makalana a mangwe a thuto ba na le dikgwetlho tsa tlhaelo ya didirisiwa tsa thuto ka jalo a ikuela mo dikhamphaning go ba thusa ka lenaneo la Adopt a school. Kgosi Molaodi Moipalai wa motse oo o ne a supa fa a tshwenngwa ke batsadi ba ba sa kgathaleng ka thuto ya bana. Kgosi a re bana ba tlogela dikole go tsena mo maratong mme ba tshole bana ba le bannye, ka jalo a kopa batsadi go fetola seemo seo mme ba lemoge mosola wa thuto. Kgosi a re bana ba bone ba felela fela mo sekoleng se sebotlana, a tlhalosa fa a eletsa gore bana ba bone ba ye kwa dikolong tse dikgolwane gore ba tle ba tlhabolole motse wa bone, kana bangwe ba bone ba fetoga baeteledipele ba lefatshe leno ba ka moso. Kgosi o ne a rotloetsa bana gore le fa ba le kgakala le ditlamelo ba seka ba inyatsa mme ba tlhoafalele thuto. Mogolwane wa lekalana la tsa itshireletso wa Meepo ya Orapa Letlhakane le Damtshaa Mme Mpopi Moatlhodi a re ba na le matshego a ba tshelang ka one kwa khamphaning ya bone, ka jalo a re ba dirisitse le le reng ‘Supa gore o a kgathala’ mme ba kgobokanya madi gore ba thuse ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Mme Moatlhodi a re go le pele ba ne ba lekola sekole seo go utlwa matshwenyego a bone ke ka moo ba neng ba ba rekela dimpho tse e leng letlhoko legolo la bone. A re ba dira se ba le mo tseleng ya go leka go betla bokamoso jwa bana ba ba kgakala le ditlamelo gore ba seka ba itlhoboga le go ba lemotsha gore go na le batho ba ba kgathalang ka bone. Mme Moatlhodi a re bana fa ba nna le letlhoko le le ntsi ba ka kgobega marapo mme ba seka ba kgatlhegela go tsena sekole. ENDS education 4 Kereke e thusa bana Kereke ya Dutch Reformed kwa Malolwane e itlamile go bulela bana ba dikhutsana le batlhoki dikgoro gore ba tlhokomelelwe mo kerekeng fa gare ga beke. Se se tla morago ga gore mokgatlho wa Bakgatla Bolokang Matshelo (BBM) o kope lefelo la go tlhokomela bana ba bannye ba lenaneo la BBM Toddlers Playgroup mo motseng ba ka tshwara masome a robabongwe fa esale ngogola. E rile a ema bakereki ka lefoko, moruti Patrick Kubyadi a ba gwetlha go baakanya kereke go e baya mo seemong sa go ka tlhokomelela bana ba bannye. Moruti Kubyadi o ne a gatelela fa seabe sa bone se tshwanetse sa bonala, a re go direla bana ke go beeletsa mo bokamosong jwa lefatshe. O ne gape a ba rotloetsa go tsweledisa mowa wa go direla setshaba o Dutch Reformed e itseweng ka one le go tlhabolola matshelo a batho mo gae. Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa BBM, Rre Thabo Lentswe o ne a tlhalosa fa ba eletsa go atolosa lenaneo la bone la playgroup mo metseng yotlhe ya Kgatleng, ka jalo a leboga maitlamo a kereke ya Dutch go bo ba ba reboletse go dirisa kereke ya bone. Rre Lentswe o ne a tlhalosa fa BBM e sa dire dipoelo mme a gatelela botlhokwa jwa kemo nokeng ya setshaba. A re maikaelelo a bone ke go netefatsa fa bana botlhe ba nna le sebaka sa go tsena sekole sa bananyana pele ga ba ka simolola mophato wa ntlha, a tlatsa ka go re ba ikaelela gape gore bana ba ba tlhokileng lesego mo setshabebg ba seka ba salela kwa morago mo go tsa thuto. “Maikaelelo magolo a rona ga se go diga dikole tse di ikemetseng tsa bananyana ka gore rona re itebagantse fela le bana ba dikhutsana le batlhoki. Re bereka le ofisi ya boipelego go dira ditshekatsheko mo motseng. Ke bua se ka gore re setse re itemogetse fa re gotlhagotlhana le batsamaisi ba dikole tseo,” Rre Lentswe a tlhalosa. Le fa go ntse jalo, a re kwa mafelong a go senang dikole tsa bananyana ba tsaya bana botlhe ba sa tlhaole, e le tsela nngwe ya go fa bana thuto ya motheo e a rileng e botlhokwa mo kgolong ya bana. Rre Lentswe o ne a gwetlha batsadi go tsenya letsogo go thusa ka se ba nang le sone, a re ntswa ba sa ba duedise, tshwaragano ya botsadi le botsamaisi e botlhokwa go netefatsa fa lenaneo le tswela bana mosola. O ne a tlatsa ka go re go botlhokwa gore batsadi ba thusanye le kereke, segolobogolo mo go phepafatseng le go duela ditlamelo di tshwana le metsi. E rile a tswa la gagwe, Mme Maikano Matlou Dutch Reformed o ne a kgothatsa bangwe ka ene go dira ba sa ngongorege, a re ke maikarabelo a bone gore ba baakanye kereke go e baya mo seemong se se ka tlhokomelelang bana. Mme Lilian Senwelo le ene o ne a nesetsa tiro eo ya go bulela bana dikgoro pula, a re go ruta bana ke go ruta setshaba. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Makhanselara a lela ka letlhoko la metsi Tlhaelo ya metsi mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ga e jese makhanselara diwelang. E rile a bua kwa phuthegong ya khansele, mokhanselara wa Themashanga, Rre Kudzani Tobokwani a tlhalosa fa mo kgaolong ya gagwe ba kgona go nna kgwedi yotlhe ba sa bone metsi fa gare ga beke. O ne a supa fa se e le kgwetlho ka a re fa gare ga beke ke nako e batho ba a bo ba tlhoka go dirisa metsi thata ka ba ya ditirong le dikole. A re seemo se, se felela se ba patika go ga metsi mo nokeng mme a se phepa gape a sa siamela botsogo jwa batho ka a ka ba tsenya malwetse. Rre Tobokwani a re go botoka go bolelelwa setshaba go santse go na le nako gore se itse gore metsi a tlaa bo a seyo leng. Mokhanselara wa Masunga Rre Ellias Mbonini, le ene o tlhalositse fa seemo se sa letlhoko la metsi se sa mo jese diwelang ka motho a ka seke a tshele go sena metsi e seng e bile go le mogote jaana. O ne a tlhalosa fa go ne ga nna le tlhaelo ya metsi lebaka la malatsi a le matlhano mme ba Water Utilities Corporation, ga ba ise ba tsise pego le ntswa go na le matshwenyego. Mo go tse dingwe, Rre Mbonini o ne a ntsha selelo sengwe sa gore batho ba a lela ba re ba sale ba ikopetse dithuso tsa lenaneo la LIMID le le thusang batho ka dipodi ka ngwaga wa 2012 mme le mo nakong eno ga ba ise ba fiwe phetolo. O tsweletse ka gore batho ba Vukwi le Letsholatshebe ke bangwe ba ba saleng ba ikopetse mme jaanong ba felela ba itlhoboga ka go a bo go na le lebaka le le leele ba ntse ba ikopetse. Rre Mbonini o tsweletse a tlhalosa fa se jaanong se dia batho go diragatsa dikeletso tsa bone ka gore fa ba ne ba filwe, ba ne ba ka kgona go tla gore e re fa diruiwa tse di sena go tsala ba di rekise ba bone gore ba ka itshetsa jang. O ne a bolela fa nako nngwe a ne a felela a bitsa molemisi ba ya go tsena diphuthego gore a tle a ba tlhalosetse gore bothata ke eng. society 9 Bogodu jwa leruo bo a tlhobaetsa Motshwarelela mookamela mapodisi a Bobonong, Assistant Superintendent Nshaki Mabophiwa, a re le ntswa ba segile tema mo mererong ya twantsho borukhutlhi, o santse a sa jesiwe diwelang ke bogodu jwa leruo jo bo apesitseng kgaolo ya gagwe kobo ka letshoba. Mo potsolotsong Rre Mabophiwa o kaile fa kgaolo ya gagwe e lebaganwe ke kgwetho e tona e e rotloetsang gore bogodu jwa leruo bo atle ka e tletse ka melatswana e e emang metsi. A re se se dira gore leruo le nwe metsi gongwe le gongwe mme ka jalo go nne thata gore beng ba lone ba le laole.O kaile fa magodu ba lalela leruo la mothale o, mme e re ba bona tshono ba le gatelele. Rre Mabophiwa a re ba itemogetse fa bontsi jwa nako badira molato e le batho ba ba leng magorogo masha go tswa kwa dikgolegelong. A re se se a tshwenya ka tsholofelo e le gore kgolegelo e tshwanetse kwa motho a agwang sesha teng, gore a fetlole mekgwa ya gagwe.A re go ngomola pelo gore ere motho a sena go disa poo lebaka le feta ngwaga tse tlhano a bo a setse a ikgata motlhala go boela kwa kgolegelong. Rre Mabophiwa o gakolotse batsadi go tsenya leitlho thata boitsholong jwa bana ba bone. O kgadile a sa kgwe mathe batsadi ba ba tlogelang bana ba le nosi mo malwapeng fa bone ba nna kwa masimo, a kaya fa se se neela ngwana tshosologo ya go dira se a se batlang ka naga e senang khudutlou bo lobeto ba ipha naga. Le fa go ntse jalo a re seemo se sengwe se se tshwenyang ke go thujwa ga marekisetso mme a gakolola bagwebi gore dikago tsa bone di babalesegile.A re marekisetso mangwe a ageletswe ka ditena mme se se fa magodu sebaka sa go senya ba tshosologile ka go sena mofiti ka tsela yo o ka mmonang. O akgotse bagwebi ba e reng fa ba sepodisi ba kua mokgosi go tshwara diphuthego tsa go tswa ka metlhale ya go lwantsha borukhutlhi ba nne tsebe ntlha go utlwa. crime_law_and_justice 1 Kgosi o kopa morafe go emisa go tshwara ditlhapi Mo botshelong go na le methale e le mentsi ya go iphataphatela go na le go ineelela borukutlhi. E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Nokaneng bosheng, Kgosi Kebonyetsala Fish, o ne a supa ikuelo le kgalemo mo morafeng wa gagwe gore ga a itumedisiwe ke dipalopalo tsa batho ba ba tsweletseng ka go tshwara ditlhapi ba sena teseletso ko letsheng la Ngami le ntswa go tswaletswe. Kgosi Fish wa Nokaneng, o kaile fa seemo se se ile magoletsa e bile se tlhobaetsa segolo-bogolo mo bangweng ba morafe wa gagwe.E re ntswa ditlhapi di le bogadi bo gaufi e bile di busetsa lemme le le botoka, Kgosi Fish o buile a sa kgwe mathe gore go gotlhagotlhana le puso go ka tsenya batho mo mathateng. “Ga ke itumedisiwe ke batho ba ba tsweletseng ka go tsoma ditlhapi ko letsheng la Ngami. Batho ba ba a iphitlha, ba nna mo teng ga dikoma ba tshaba mapodisi mme se se borai fela thata mo matshelong a bone.Se, ga se yone tsela e e lolameng ya go ipatlela botshelo,” kgosi a gatelela. Kgosi Fish o rotloeditse banni ba Nokaneng go tshwara ditlhapi ko mafelong a mangwe ko go buletsweng teng jaaka Shakawe, go itsa tlolo molao ka ba ka tseelwa dikgato tse di maleba.Gangwe le gape, o rotloeditse barui go tlhokomela leruo la bone, ba le ntshe mo mekgwatheng ba bo ba le tlwaetse masaka go itsa gore di tlole molelelwane/terata e e kgaoganyang dinare le batho (buffalo fence). Jaaka e le tlwaedi, fa di ka tlola molelwane/terata, molao o letla gore di bolawe mme seo e nne poelo morago mo moruing. Kgosi Fish o lebogile puso go bo e tsentse letsogo mo go lwantsheng bolwetse jwa tlhako le molomo mo kgaolong ya gagwe, gangwe le gape o lebogela lemme la phimolo dikeledi ya P700 e e neelwang barui fa leruo la bone le jelwe ke diphologolo tsa naga. O kaile fa se, e le tokahatso maduo e kgolo ka phimolo dikeledi e kile ya bo e le P400 mo nakong e e fetileng. crime_law_and_justice 1 Khansele e lekodisitwa ka ditiro tsa ditlhabololo Go agiwa ga maemelo a dikoloi tsa setshaba kwa Palapye mo go yang go lopa P74 974 902.51, go tsweletse, mme konteraka e filwe sebaka sa dikgwedi tse di lesome le boroba bobedi gore e bo e weditse tiro eo. Fa a begela khansele potlana ka Labobedi, mogolwane wa tsa ditlhabololo tsa kgaolwana potlana ya Palapye, Rre Pheto Dintwe a re, mo nakong eno tiro e e dirilweng e setse e dirisitse P24 114 170.52, fa yone e le mo selekanong sa 23 phesente fela. O ne a supa fa tiro eo e lebanwe ke kgwetlho ya kwa go epiwang mmu teng ka lefuti le le ntseng le dirisiwa le tswetswe, a re legale konteraka e ne ya iphataphatela go bona kwa e ka tsayang mmu teng. Erile a tlhalosa ka kago ya diofisi tsa sepodisi, Rre Dintwe a re go gogelwa ga metsi koo go abetswe P4,653.52, fa tiro yone e setse e le mo selekanong sa 75% go wediwa, a supa fa mo nakong eno se se saletseng morago e le ditanka tsa metsi tse di tshwanetseng go tsenngwa, tse rakonteraka a kopilweng go tsenya badiri ba tsone ba Aferika Borwa legonnyana go di gorosa. A re paakanyo ya dikole tse dikgolwane e tsweletse sentle mo go tse dingwe, fa dingwe di santse di neilwe komiti e e sekasekang go di leba. O tsweletse a tlhalosa fa dikago tse di neng di baakangwa tsa sekole sa tiro ya diatla sa Palapye di weditswe mme di lopile P2 613,671.60. Rre Dintwe o supile fa lephata meepo, kgotetso le metsi le abetswe P9,556,525.44, a tlhalosa fa tiro koo e le mo seemong sa 95% go wediwa, le fa e ne ya lebana le bothata ja go utswiwa ga didirisiwa dingwe tsa didiba, mo go neng ga ama gape le go gokelwa ga motlakase kwa didibeng di le pedi. A re le fa gontse jalo, ba lephata la metsi ba ne ba tswelela ka ditiro tse dingwe ba bo ba thapa konteraka e ntsha. Mo kgannyeng ya go isiwa ga ditlamelo kwa Diboko ke Lephata la Ditsha le Matlo, Rre Dintwe a re go simolotswe, sebe sa phiri ke gore tiro e bonya ka mabaka a dipula tse di tsweletseng le gone gore konteraka e ne ya ya malatsing a boitapoloso ka Sedimonthole, a re e abetswe P373,595.312.70, mo nakong eno e mo seemong sa 1.7%. Rre Dintwe o tsweletse a lekodisa khansele ka lephata la dipalamo le ditlhaeletsano, a tlhalosa fa lekalana la ditsela le tsweletse ka go dira matshwao a tsela, go thiba fa ditsela di epegileng teng, go kgaola bojang jo bo fa thoko ga tsela, mme a re tse di saletseng kwa morago di tlaa tsweledisiwa. O tlhalositse fa paakanyo ya diofisi tsa ba ditsela e ise e simologe. O ne a tlhalosa ka seemo sa ditiro tse di tsweletseng tsa maphata ka go farologanana jaaka la thuto, ditsela, dikago, metsi le kago ya matlo a dibetso tsa tlholego, tseo tsotlhe e le tse di lebanweng go dirwa ke kgaolwana potlana ya Palapye. O supile matshwenyego ka maphata mangwe a puso a a sa tsiseng dipego tsa bone gore ba di lekodisane le makhanselera, a re seo se ba direla tiro bokete ka ga ba itse seemo sa ditlhabololo. BOKHUTLO politics 7 Bagolwane ba tlhagisiwa ka tshenyetso setshaba Morago ga go lemoga fa lefatshe leno le amega mo tshenyetsong setshaba, go ne ga tlhomiwa lekgotla le le setseng le nale dingwaga le ntse le dira la twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo. E rile a bua mo thutuntshong ya malatsi mararo ya baokamedi ba maphata a a welang ka fa tlase ga ofisi ya ga tautona kwa Palapye bosheng , mogolwane go tswa kwa lephateng la twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo, Rre John Thupeng a re lephata leo le tlhamilwe go sena go bonala matlhasedi a tshenyetso setshaba mme a le bofitlha mo lefatsheng leno. A re seo se ne sa dira gore ba leke go ka itshwaraganya le maphata a puso, gore ba ba tswe thuso kwa ba leng teng ka go nna le mhama wa botlhotlhomisi le tshenyetso setshaba mo maphateng a bone. Rre Thupeng o tsweletse a tlhalosa gore ditirelo tsa lephata la bone di ne tsa atologa mme tsa ngokela makalana a mangwe go thusa go le tiisa jaaka la Botswana Institute For Development Policy Analysis BIDPA, Botswana Confederation of Commerce Industry and Manpower BOCCIM, Attorney General, ofisi ya mmueledi, lekgotla le le bapatsang dithoto tsa puso le lephata la khiro ya badirela puso, ba makgotla a selekane ga mmogo le mmadikole ba ba neng ba dira mokwalo o tlhalosang ka botlalo ka gore tshenyetso setshabake eng e bile e bonwa jang mono gae. Rre Thupeng a re go sa direng dilo sentle le gone go itshwaraganya le bagolwane ka maikaelelo a go ba fa pipa-molomo motho a lebile go ka tlhatloswa maemo kana gore dilo di mo tsamaele sentle mo tirong, ke tshenyetso setshaba gammogo le tiriso maemo e eseng ka fa tshwanelong ya bagolwane, segolo thata mo go abiweng ga ikopelo ditiro tsa puso ke boradikonteraka. O ile a re, gole gantsi lekalana la theko ya dithoto tsa puso le go abiwa ka ipapatso ya ikopelo ditiro mo maphateng ,ke gone go tshabelelwang segolo bogolo ke tshenyetso setshaba ka go diriswa madi madi. Rre Thupeng a re, go nale dipelaelo tsa gore batho bangwe ba ba tsenang mo go abiweng ga ipapatso tseo ba rothisa mmutla madi go loma tsebe baikopedi ka ditlhwatlhwa, a re seo, se koafatsa itsholelo ka gantsi ditiro di neelwe rakonteraka a le mongwe nako tsotlhe. O kopile boeteledipele go tsenya letsogo mo dikgannyeng tsa mofuta o, go thusa go lwantsha tshenyetso setshaba . Mongwe wa bagolwane ba lephata leo Rre Keleemetse Moloko o supile fa ele tshwanelo ya baeteledipele go itse le go lebelela tsotlhe tse di ka nnang sefatlhi mo makalaneng a bone, le go dira tsotlhe tse ba ka di kgonang go kganela tshenyesto setshaba. O ne a re, o solofela fa boeteledipele bo ya go ba thusa go tswa ka methale e tshenyetso setshaba e ka lwantshiwang ka yone mo makalaneng a bone. A re, ba tshwanetse ba bula matlho go ka lemoga tshenyetso setshaba e ise e loelele , go e kganela le gone go tlhotlhomisa fa ba belaela sengwe se se fatlhang.O tsweletse a re, ke tshwanelo ya bone go tseela bodiredi dikgato tse di maleba fa ba belaela sengwe. Rre Moloko a re, lephata lengwe le lengwe la puso le tlhoka komiti ya thibelo tshenyetso setshaba e e dirang ka natla e bile e rwele boikarabelo ja go leba dilo ka leitlho le le tseneletseng le go tlhaloganya ditsamaiso tse di teng tsa lephata, e nale lenaneo le le tsepameng le le bulegileng go dira dilo ka fa tshwanelong, segolo jang mo makalaneng a Human Resource Management, Records Management Unit, Personnel le ba Supplies. A re, ao ke one matshego a lekalana le itsheegileng ka one, a gole gantsi a tshabelelwang ke mhoholela wa tshenyetso setshaba. E ne e rile gole pele fa a amogela baeng, mookamela lephata la dikitsiso Rre Russ Molosiwa, a supa fa go tlhoka kitso le thuto ele one mmaba mogolo mo tsamaisong tsa bone segolo jang mo go yone twantsho tshenyetso setshaba. A re, thutuntsho e, e ya go ba bula matlho go inaakanya le go tsosolosa dikomiti tsa bone gore di dire ka natla go ntsha maduo. O supile fa mo lephateng la gagwe komiti ele teng fela e sa dira sentle mo ngwageng o o fetileng, le ntswa e ne e rile mo tshimolodisong ya yone ya dira go tlala ka diatla, maphata abo a tla go anya maele mo go bone. Rre Molosiwa a re, mo ngwageng o o sa tswang go feta, ba ne ba simolotse sentle ele ba lephata la dikitsiso mme ba nna le dikgwetlho, ka diofisi dingwe di ne di sa dira sentle, seo sa ba digela tlase. Mme a tlhomamisa gore mono ngwaga ba ya go tsholetsa serodumo sa bone gape ka jaanong a tsere boikarabelo ja go okamela komiti eo. society 9 Rammolai o tlhomiwa go nna kgosi ya Makabi E rile bosheng kwa motseng wa Palapye ga tlhomiwa Rre Dikakanyo Rammolai go nna kgosi ya kgotla ya Makabi. Rre Rammolai o tlhomiwa morago ga go tlhokafala ga kgosi ya pele ya kgotlana eo Rre Seboka Ntlhaga ngwaga o o fetileng. Rre Dikakanyo Rammolai o tsholetswe kwa motseng wa Serowe kwa kgotleng ya Masilo ka ngwaga wa 1963. Fa a mmaya mo setilong, kgosi ya motse wa Palapye Kgosi Masego Olebile o boletse fa e ne ya re morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Ntlhaga ba laola morafe wa kgotla ya Makabi go itlhophela kgosi, mme ka jalo ba itlhophela go etelelwa pele ke Rre Rammolai yo o neng a rurifadiwa ke puso. Kgosi Olebile o tlhalositse fa Rre Rammolai a tsile go thulana le dikgwetlho tse di farologaneng ga mmogo le dipuo tsa morafe, mme a mo tlhagisa gore a tlhokomologe dipuo a itse fa e le tsala ya puso, e le ene a eteletseng morafe pele e bile a seka a iphitlhela a tsene mo dikgang tsa tshenyetso setshaba tsa go rekwa ka madi ka a senyeditse ba le bantsi ditiro. Fa a mo ema ka lefoko, Kgosi Nkwaila Maphanephane wa kgotla ya Lotsane, o kopile Rre Rammolai go dira morero le batho ba gagwe ka nako tsotlhe ga mmogo le go bereka le dikomiti tse di farologaneng di akaretsa ya ditlhabololo tsa motse, ya twantsho borukutlhi le ya sekole ya batsadi le baruta bana. E rile a lebogisa monnawe, Mme Gaerupi Solomon Olebeng a kgothatsa Kgosi Rammolai go dira le morafe ka lorato le kagiso, go tsaya batho ka tekatekano le go nna bonolo ka gotwe ina le lentle le a ipatlelwa e bile kgosi ke thotobolo e olela matlakala. E ne yare a ntsha la gagwe, mogolo wa motse Rre Maina Kgopo a tlhalosa fa peo ya kgosi e le tiro e kgolo ya ditso le ngwao, ke ka moo go na le mo go tweng ngwao boswa. A re Rre Rammolai a seka a tsenelela thata mo dipolotiking mo morafe o ka lemogang kwa a sokametseng teng ka e le kgosi. Rre Kgopo a re Kgosi Rammolai a itse fa a felelang teng fa a tsaya ditshwetso, a botse fa a sa tlhaloganyeng teng e bile a dire le magosi a mangwe ba mo rute tiro, mme a seka a belwa ke bogosi jaaka batho bangwe ba belwa ke maemo. O tsweletse a tlhalosa fa kgosi ele kgosi ka morafe ka jalo a kgothatsa morafe wa Makabi go ema kgosi ya bone nokeng gore a kgone go ba etelela pele ka a ka se kgone a le nosi. Bokhutlo society 9 Dikhwaere di thusa go gasa molaetsa wa ditlhopho Dikhwaere tsa kgatleng di itlamile go thusa go gasa molaetsa ka ditlhopho tse di tlang ka mmino le dipina tse dinang le molaetsa wa boleng ka mananeo a masha a ditlhopho. Fa a bua ko thuto seka dipuisano e e neng e tshwaretswe kwa Phuthadikobo Museum ka Labotlhano ko Mochudi, Moeteledipele wa ofisi ya ditlhopho mo Kgatleng Rre Gakenosi Motshwarakgole o tlhalositse fa dikhwaere di ka anamisa molaetsa ka bonako mo metseng e farologaneng ka ebile di le dintsi mo Kgatleng. O boletse fa dikhwaere di le botlhokwa mo balateding ba tsone mabapi le ditlhopho ka di ka ba fetisetsa molaetsa ka bonako mme gape ba o fetisa ka tsela e nang le kgogedi ka mmino le dipina tse di amanang le tlhopho. Rre Motshwarakgole o boletse fa moono mogolo wa ofisi ya bone e le go netefatsa fa molaetsa wa ditsamaiso tse disha o gorogile ka nako mo batswaneng pele ga go iwa ditlhophong ka jalo go dirisana le dikhwaere ke tsela nngwe ya go gorosa molaetsa ko batswaneng. O tlhalositse fa a na le tsholofelo ya go tswelela ba dirisana le dikhwaere go gasa molaetsa fa ba ntse ba tsweletse le mananeo a mangwe a ditlhopho go fitlhela ka letsatsi la ditlhopho. O kopile Batswana go tswa ka mananeo a mangwe mo dikgaolong tsa bone go fetisa molaetsa wa ditlhopho. Modulasetilo wa Sedibelo Choir, Rre Aron Ogopoleng o tlhalositse fa ba bone go tshwanela go ikopanya le ba ofisi ya ditlhopho ka Bakgatla ba na le kgatlhego e ntsi thata mo dikhwaereng mme jalo molaetsa o tla amana le lefatshe ka bophara. O boletse fa ba tla gatisa dipina ka mananeo a masha a ikwadiso ditlhopho mme ba di rekise mo batswaneng le go di romela ko setshwantshong sa motshikinyego le diromamowa ka go farologana go gasa molaetsa. Rre Ogopoleng o boletse fa go tla nna le dikgaisano tsa dikhwaere tse di lesome le botlhano ka dipina tse di nang le melaetsa ya ditlhopho kwa moletlong wa ngwaga le ngwaga wa khwaere ya bone kgwedi e tlang ka boipuso ko mabaleng a sedibelo go batla mofenyi. O tlhalositse fa mofenyi a tla ikgapela P10 000 le kopi, fa ya maemo a bobedi e tla fiwa P8 000 le kopi mme ya boraro e fiwe P6 000 le kopi. A re tse dingwe tse di setseng di tla fiwa P4 000. BOPA arts_culture_entertainment_and_media 0 Bagwebi ba majalwa ga ba robatse Kgosi Kgosi Tshwaro Masisi wa Mabesekwa a re ga a jesiwe diwelang ke bagwebi ba bojalwa ba a tlhalosang fa ba ikgatholosa tsamaiso e e lolameng ya theko le thekiso ya bojalwa. O ntshitse ngongorego eo bosheng fa a buisana le BOPA mo potsolotsong, a tlhalosa fa bagwebi ba, segolo bogolo ba majalwa a Setswana, ba sa rekegele dinako tsa theko le thekiso ya bojalwa . Kgosi Masisi o ne a tlatsa ka go supa ngongorego mo bagwebing ba ba tsenyang metswako mo majalweng go dira gore majalwa a nne bogale le go gaisa. Selo se o supile fa jaanong se baka mathata a a seng kana ka sepe mo go rotloetseng maitsholo a a sa eletsegeng mo setshabeng. O tlhalositse fa gemmere e e dirwang mo malwapeng e le yone e tsenyang banwi tsebetsebe ka jaana go se na letsatsi lepe le le tlhabang ba ise ba begelwe dintwa le matlhapa. “Bosigo le motshegare re nna re tabogile lepaapaa ke dipego tsa dintwa kwa marekisetsong a majalwa ka jaana dingwe tsa dititeo tseo e a bo e le tse di masisi,” a bua jalo a tlhalosa fa dintwa tse go gobatsanwa ka dilo tse di bogale jaaka dithipa. Gape o ne a tlatsa ka go tlhalosa fa mo nakong eno, bangwe ba banni ba ba amegileng mo dintweng bosheng kwa marekisetsong a majalwa ba robaditswe kwa kokelong ya Nyangabwe kwa Francistown. O supa fa se se ngomolang pelo ka dikgang tse e le gore di akaretsa banana ba e leng bone babusi ba ka moso. Ka jalo, Kgosi Masisi o ne a ikuela mo bananeng go ikgapha mo ditirong tse di duleng mo tseleng tse di ka ba senyetsang isago. O bile a kopa bagwebi ba majalwa go obamela dinako tsa theko le thekiso ya majalwa, le gore ba lese go tsenya metswako mo majalweng e ba sa itseng selekanyo sa yone le borai jwa yone mo matshelong a banwi. E re dikgang di eme jalo, Kgosi Masisi o tlhalositse fa ba tlaa leka ka bojotlhe go gagamatsa setoropo mo go ba ba itlhokomolosang tsamaiso ya theko le thekiso ya bojalwa. A bogogi le mapodisi ba tlaa nna ba tshwara diphuthego go buisana le banni go ba ruta ka tsamaiso e e lolameng ya theko le thekiso ya bojalwa. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Kgosi o kopa morafe go fudusa leruo Kgosi wa Khudumelapye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Edwin Ramokobetwane, a re ga a itumelele leruo le le sailang mo motseng. O buile seo mo phuthegong ya kgotla e a neng a e biditse go lekodisa banni ba motse wa gagwe ka matshwenyego a a lemogang. O ne a supa fa a sale a kopile barui go isa diruiwa tsa bone kwa masimo le merakeng. O ne a supa gape fa loruo leo le leswefatsa tikologo le go baka tshenyo mo malwapeng a batho. Kgosi Ramokobetwane o supile gape fa a tshwenngwa ke batho ba ba sa somareleng metsi. A re batsadi bangwe ba roma bana kwa dipompong mme bana ba tshameke ka metsi. Kgosi Ramokobetwane o ne a supa fa gona le dikgang tse dintsi tsa borukhutlhi tse di bakiwang ke ditagi. O ne a kopa morafe go ba loma tsebe ka batho ba ba rekisang ditagi di akaretsa motokwane. A re ditagi di ka felela di baka malwetsi mo mothong. Kgosi Ramokobetwane o a supile fa borukhutlhi jwa leruo bo ile magoletsa. O kopile batsadi go se letlelele borukhutlhi. O tshwentswe ke batho ba ba inyadisang. A re fa go bontsi jwa batho ba nna ba sa nyalana ba bo ba reke dilwana tsa motse mmogo le go nna mmogo ba tshotse bana. O kaile fa seo se sa siama. O supile fa seo se ba tsenya dingalo ka nako tsa dintsho. O kaile fa batsadi ba mongwe bat la lwela dithoto ka go ne go sena setlankana sa lenyalo. Kgosi Ramokobetwane o ne a supa go nna ga batho ba sa nyalana go feleletsa go dira gore batho ba bolaane kana mongwe a ikgapele botshelo. O ne a ba kopa go ithotloetsa go phepafatsa dikgotlana tsa bone. Kgosi o ne gape a kopa banni ba motse oo go dirisana go sa kgatlhelesege ka letso la bone. O ne a kgala semorafe se se diragalang mo motseng a sa kgwe mathe. O ne gape a kopa banni go kwadisa ditlankana tsa dintsho le go bega dintsho kwa kgotleng. O ne a tswelela ka go kopa banni ba motse oo go direla bana omang ga ba tlola dingwaga tse di lesome le borataro le go ba direla ditlankana tsa matsalo. Fa ba kgwa Kgosi dikgaba Rre Motlapele Kukama o supile fa letlhoko la metsi le sa ba itumedise. O kaile fa go bereka dipompo tse pedi mo motseng se se bakang gore gore ba kgotlhaganele kwa dipompong tseo. O ne a supa fa dikgang tsa batho b aba nnang ba sa nyalana e tlhokana le go neelwa dikgosana gore ba e rute kwa dikgotlaneng go fema dikgang tse dintsi. BOKHUTLO society 9 Maphata a ipela le Phakwe Fela jaaka mafelo a mangwe, e rile bosheng moraka wa Phakwe wa amogela dimpho tsa keresemose pele ga nako go tswa mo maphateng a kgaso le dikitsiso kwa Selebi Phikwe. Maphata a kgaso le dikitsiso a simolotse go abela banni ba Phakwe dimpho ka 2012 mme ba bona go le botlhokwa go tswelela ba ba fa dimpho ngwaga le ngwaga. E rile a ema banni ba Phakwe ka lefoko kwa moletlong oo, Rre Tikologo Phillipo go tswa kwa Botswana Housing Corporation kwa Selebi Phikwe a tlhalosa fa go aba go tswa mo leratong le fa motho a ka tswa a sena sepe se se kalo se a ka se nayang motho yo mongwe. Rre Phillipo o kopile ba ba abetsweng dimpho di akaretsa dijo le diaparo go di dirisa ka fa tshwanelong , a tlhalosa gore puso e tshwenngwa ke dikgang tse o fitlhelang batho ba ba abelwang ba rekisa tse ba di neelwang mme ba sale ba ntse ba le mo botlhoking. Rre Phillipo o ba rotloeditse go itirela ka diatla ka a re kgaolo ya bone e tletse ka ditsa tlholego tse ba ka itshetsang ka tsone jaaka go betla le temo.Rre Phillipo o tlhalositse fa maikaelelo a maphata a mabedi e le go diragatsa moono wa ofisi ya ga tautona wa go thusa ba ba sa kgoneng ka puso e ka se kgone e le nosi. Rre Baboloki Johnson go tswa kwa kerekeng ya Bible Life Ministries mo Selebi Phikwe o tlhalositse gore go le gantsi go buiwa ka go baakanyetsa mowa wa motho bokamoso mme batho ba lebala mmele ntswa le one o tshwanetse go nonotshiwa gore o kgatlhe. Rre Johnson o tlhalositse fa mo baebeleng go tlhalosiwa gore fa motho a kgona a seka a kgoba yo o sa kgoneng ka o a bo a kgoba Modimo, a tlatsa ka gore Modimo o rata batho ba abela ba ba sa kgoneng. Ba lephata la kgaso le dikitsiso ba tlhalositse fa ba kopile dithuso mo dikomponeng tse di farologaneng di akaretsa Doctor Kim, Standard Chartered Bank, Botswana Housing Corporation, Letshego, Bible Life Ministries, Builders World le First National Bank. society 9 Nyeletso lehuma e ntsha maduo Motswana fa a re senamphatshwana sa morwadia kgosi se bonwa bojale bo aloga, o ne a buile otlhe ngwana wa mmala wa sebilo. Ke boammaaruri jo bo sa jelweng pheko, kana ditiro tsa motho, boitshwaro le boleng jwa puo ya gagwe di kgona go bolela maemo a motho le se a leng sone mo setshabeng. Ka tsela e e ntseng jaana go bo go kgona go lemotshega motlhofo fa e le motho yo motona mme fa a santse a le mmotlana go bo go ka lemotshega gore e tlaa nna motho yo o ntseng jang. Botshelo jwa ga Mme Mpho Kobang bo netefatsa se fa o bo kanoka. E rile fa babega dikgang ba etetse Mme Kobang kwa kgaolong ya Mochudi Bokone, a bolela fa a tsene mo kgwebong ya mofuta o ka a ne a bona e le mpho e a e filweng ke Ramasedi go tswa bonyaneng. O boletse fa ka Tlhakole wa 2013 ba ne ba isiwa dithutong kwa Bokaa tse di tsereng beke fela tsa go ithuta go kgabisa mo meletlong ba dirisa tante. Kgwebo ya gagwe e gatetse pele mo a setseng a na le babereki ba le bararo ba e leng banna botlhe. A re e rile a sena go bolelelwa ke ba boipelego ka lenaneo la nyeletso lehuma, ene le Mme Lebogang Tlhagwane ba fiwa madi le didirisiwa ke ba bopipelego go balelwa le yone tante ya selekanyo sa dimmithara tse di supang bokhutshwane le tse di lesome le borataro boleele. Ka fa a bolelang ka teng, ba ne ba tswelela mo sebakeng se e seng sa sepe mme ba tloga ba dumalana gore ba ikemele ka nosi. A re ba ne ba tsaya tshwetso e ka gore dinako tse dingwe go bereka le yo mongwe go busetsa kgwebo morago. Ka fa a bolelang ka teng ba khansele ba kgona go mo thapa a baakanyetsa diphuthego tsa puso tse di farologaneng jaaka tsa ga Tautona le mapalamente. O kgona go lalediwa mo manyalong, diphathi, dintsho, le meletlo e e farologaneng ka kakaretso, mme a nne le dipoelo tse di nametsang pelo. O rotloetsa ba ba mo kgwebong ya mofuta o ba ba gogang dinao go itse gore lobelo ga se lwa motloga pele, fa motho a na le maikaelelo o kgona go itoma sekgono fela le fa a kopana le dikgwetlho tse di rileng. Mme Kobang ga a lebege e le motho yo o kileng ya re ka nako nngwe a itlhoboga mo seemong sepe fela se se ka kgobang marapo mo kgwebong ya gagwe, ka a boletse fa e le mo mading a gagwe mme a e dira ka lorato le bonatla. O na le kgwetlho ya go tlhoka moalo o mohibidu wa batlotlegi le o motala o o alwang kwa tanteng. E re ka kgwebo ya gagwe e mo tswela mosola, o na le lenaneo la go ithekela koloi e a ka e dirisang mo tirong le go tlhabolola ntlo ya gagwe. O gateletse gore mo nakong eno ba khansele ba a tle ba mo kope go tla go rutuntsha bagwebi ba ba simololang go tsenelela dithuto tsa go gweba ka tante le didirisiwa tsa yone. Mogwebi yo mongwe e leng Mme Poifo Pilane wa Modipane yo le ene a leng mo kgwebong ya tante, o boletse fa ene kgwebo ya gagwe e sa itumedise ka jaana a sa bone ba ba mo thapang. O boletse fa le ene a ne a ya dithutong kwa Bokaa fa ba ne ba rutintshiwa ke ba Kelsi Catering, mme ene le yo a nang nae e leng Mmatinkani Kgathatsa ba sa kgone go bereka mmogo, selo se se digetseng kgwebo kwa tlase. A re ba ne ba bolelela ba boipelego ka kgang ya bone mme nako kgolo ke eno ga go ise go nne le tharabololo. A re mo nakong eno o tsweledisitse kgwebo ka go ipapatsa. “Ga ke itse gore fa go santse go na le ba ba sa kgoneng go bereka ba le babedi, ba tlaa dira jang ka jaana we want to go big, re batla go gola,” ga rialo Jeremiah. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Malatangwao a a ipelega Mokgatlho wa Malatangwao kwa Serowe, o simolotse methale ya go kokoanya madi go baakanyetsa letsatsi la ngwao le le tlaa bong le tshwaretswe kwa kgotleng kgolo ka kgwedi ya Lwetse. Mo potsolotsong le BOPA, moeteledipele wa mokgatlho, Rre Samuel Letlhare yo o tlhamileng mokgatho oo morago ga go lemoga fa ngwao ya Bangwato e nyelela a re ba dira ka bojotlhe go netefatsa gore letsatsi leo e nna le le kgatlhisang. Rre Letlhare o supile fa bogosi jwa ga Mmangwato ba amogetse mogopolo wa gagwe ka tsoopedi, e bile mo bogompienong mokgatlho wa bone o kwadisitswe semmuso. Mokwaledi wa mokgatlho, Mme Dories Segolodi a re mokgatlho o na le kgolo ya maloko e bile ba ne ba fiwa sebaka sa go buisa dikgosana tsa Serowe mo bokopanog jwa bone jwa beke le beke go ba ruta ka maitlamo a mokgatlho. “Re setse re simolotse ka go apaya dijo go tsenya madi mo letloleng. Re dira se go bontsha magosana maitlamo a rona le go kgobokanyetsa letsatsi la ngwao madi,” ga tlhalosa Mme Segolodi. Mme Segolodi o tlhalositse fa e tlaa bo e le lantlha ba tshwara letsatsi la ngwao mme maikaelelo a bone e le go tshwara moletlo o ngwaga le ngwaga. Mongwe wa maloko a mokgatlho, Mme Leamogetswe Makgoeng a re e rile go lemogeng maikaelelo le maikemisetso a mokgatlho o, o ne a se ka a bonya go nna leloko ka a ikemiseditse go ithaopela mokgatlho gore a tle a rute Batswana ba bangwe ka ngwao ya bone ya Sengwato, kwa ntle le dituelo dipe. Mme Tshireletso Koee le ene o ne a re jaaka leloko, o ikaelela gore a tlhomamise gore mokgatlho o a atlega mo go lateleng ngwao ya Bangwato kwa e saleng e latlhega teng. A re ke sone se a tlhomamisang gore o dirisa nako ya gagwe le tsotlhe tse a nang natso mo go kgobokanyetsa letsatsi la ngwao ditsompelo gore le tle le kgone go nna teng. Kgosana Mme Thaiso Pulane wa kgotla ya goo Tshweu kwa Serowe yo a neng a rotloetsa mokgatlho ka go reka dijo tsa bone, o ne a supa fa ba na le maikaelelo ka ba ne ba apeile dijo tsa Setswana jaaka bogobe jwa legala, koko ya Setswana e bile di apeilwe Setswana go sa tsengwa dinkgisa monate tsa segompieno. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Mabante ke boikarebelo jwa mong wa koloi Constable Phenyoemang Baipidi wa sepodisi sa Selebi Phikwe a re go mo maruding a mong wa koloi go bona gore mabante a koloi ya gagwe a mo seemong se se itekanetseng. O ne a bua jalo kwa thuto seka-dipuisanong e e neng erulagantswe ke banana ba mokgatlho wa ipabalelo tseleng kwa mapalamelong a dikoloi tsa setshaba kwa Selebi Phikwe. Constable Baipidi o ne a tlhalosa gore mongwe le mongwe otshwanetse go tsaya karolo mo go babaleleng matshelo, a tlhalosa gore mopalamile ene o tshwanetse go tlhomamisa gore koloi e a e palamang e itekanetse e sengjalo ke ene a tlaa bong a lebanwe ke molato fa go fitlhelwa a tsene mo koloinge e senang lebante la ipabalelo. Constable Baipidi a re dipalo di supa fa melato ya go tlhokago dirisa lebante e golela pele fa go tshwantshanngwa le e mengwe. Otlhalositse gore ka ngwaga wa 2014, melato ya ‘go seka go dirisa lebante’ e ne ele makgolo a supa le lesome le bongwe fa mono ngwaga go simolola ka kgwedi yaHirikgong go ema ka kgwedi ya Phatwe e setse e le makgolo a mane le lesome lebongwe se se supa kgolo e e tsitsibanyang mmele. Constable Baipidi o boletse fa molao o dirilwe ka maikaeleloa gore o seka wa baa ope ka fa mosing, morago ga gore go nne le dingongoregotsa gore mme yo o itsholofetseng ga a tshwanela go dirisa lebante laitshireletso. Constable Baipidi o ne a gatelela gore molao o patika mongwele mongwe le bomme ba ba itsholofetseng go nna ba dirisa lebante go sireletsamatshelo a bone le masea a ba a solofetseng. O ne a tswelela a re bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase gabotlhano ba tshwanetse go rekelwa ditilo tsa mo koloing mme ba pegwe kwaditilong tse di kwa morago mme ba le ka fa tlase ga tlhokomelo ya mongwe yo mogolwanego tlhomamisa gore ba ntse sentle. Constable Baipidi a re lefatshe la Botswana le latlhegelwake madi a mantis ka lebaka la dikotsi tse di neng di ka femiwa. Kwa bofelong okgothaditse boradipalamo tsa setshaba go nna ba bua le bapalami go nna badirisalebante la itshireletso go babalela nako le matshelo. E ntse e le kwa thuto seka-dipuisanong eo, mma-bontle waipabalelo tseleng mme Valencia Mafokate yo e leng monana, o kgothaditse bananaka ene go tsaa boikarabelo ka go supafetse e le bone ba rekang dikoloi kadipalo tse di kwa godimo. Dithuto puisano tse di ne di kopanetswetse ke lephata la MVA, basepodise, ba ipabalelo tseleng ga mmogo le morafe. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Phuduso ya barutabana e tsaa lebaka Barutabana ba sekole se segolwane sa Tapologo kwa Werda mo kgaolong ya Kgalagadi ba ngongorega ka go berekela mo lefelong le le lengwe lobaka lo loleele. Ngongora e e ntshitswe ke motshwarelela mogokgo mo sekoleng seo Mme Mmapula Mokgadi mo postolotsong bosheng. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa barutabana mo sekoleng seo ba na le lebaka la dingwaga di robabongwe go ya kwa go tse di lesome ba ntse ba berekela teng. Mme Mokgadi a re se se ngomolang pelo gape ke gore fa ba fudusiwa ga ba isiwe kwa dikgaolong di sele ba tswelela ba bewa mo kgaolong ya Kgalagadi. A re se se felela se kgoba barutabana marapo mo ba felelang ba sa ntshe maduo a a kgatlhisang. Motshwaralela mogokgo o tlhalositse fa ba amogetse bana ba le 572 go simologa ka mophato wa ntlha go ema ka wa boraro, ba mo go bone bale 343 e le ba ba nnang mo sekoleng fa ba le 229 e le ba ba nnang mo motseng. O ne a kaya fa bana ba sekole seo e le ba ba tswang kwa Werda le metse e mabapi e bong; Hereford, Kokotsha, Makopong le Draaihoek. O ne a kaya fa maduo a sekole seo a ntse a itumedisa, mme ngogola ke gone ba itemogetseng kwelo tlase go tswa kwa go 74.4 per cent ka 2012 go wela kwa go 47.4 per cent ka 2013. Mme Mokgadi o kaile fa e re ntswa ba leka ka bojotlhe gore ka nako tsotlhe maduo a bone a bo e le a kgatlisang, se se utlwisang botlhoko ke batsadi ba ba senang kgatlhego mo dithutong tsa bana ba bone. O ne tswelela ka go kaya fa komiti ya batsadi le barutana e sa bereke sentle ka le tsone diphuthego ba sa di tsenelele e bile gape batsadi ba sa ikiteye ka thupana go tla go lekola ka fa bana ba ithutang ka teng. A re mangwe a maiteko a ba a dirang go tokafatsa maduo mo sekoleng seo ke go ya go buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng e bana ba tswang kwa go yone. A re gantsi ba a bo ba remeletse thata mo tokafatsong maduo, ba buisana le batsadi le bana ka dikgwetlho tse di ba tshwenyang le go tswa ka ditharabololo tsa tsone, a tlatsa ka gore seo ba se dira ka nako ya malatsi a boitapoloso. O ne a kopa batsadi go ema ka dinao go nna le seabe mo dithutong tsa bana ba bone ka seo se ka thusa thata go ba fa bokamoso jo bo eletsegang. Fa ama boitswaro jwa bana, o supile fa bo le botoka fa go tshwantshanngwa le jwa bana ba ba neng ba tsena mo sekoleng seo ngwaga oo fetileng. O ne gape a kaya fa bana ba lebaganwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya matlo a boroko mo sekoleng seo, a supa fa bontsi jwa bone ba nna ba kgotlagane. Mme Mokgadi o ne a tlatsa ka go supa fa maikaelelo le maikemisetso a bone ele barutabana e le go dira ka manontlhotlho, go tshwaragana le botlhe ba ba nang le seabe go ntsha maduo a a kgatlhisang.Ends education 4 Go tlogela tiro go na le dikgwetlho Mokhanselara wa Mahalapye Borwa, Mme Abigail Mogalakwe o rotloeditse bomme ba thapelo ba Lontone (UCCSA) ya Mahalapye gore ba seka ba nna le mowa wa boitlhobogo mo botshelong, fa ba sena go tlogela tiro. Mme Mogalakwe o buile jaana bosheng kwa moletlong wa dijo tsa motshegare o o neng o rulagantswe ke bomme ba thapelo ba kereke ya UCCSA, go kokoanyetsa kereke ya bone madi. Mo molaetseng wa gagwe wa kgothatso, ka setlhogo se se reng; Botshelo Morago ga go Tlogela Tiro, Mme Mogalakwe o rotloeditse bomme go itse fa go na le ditsela tse dintsi tsa go itshetsa, morago ga go tlogela tiro. Selo se se botlhokwa, a re ke gore ba tswe ka lenaneo le megopolo ba santse ba bereka, gore ba ikaelela go tswelela ba tshela botshelo jo bo siameng jang fa ba sena go tlogela tiro. O rotloeditse ba ba nang le keletso ya go bula dikgwebo gore ba eme ka dinao ba di kwadise, ba seka ba inyatsa ka gore ke bomme. “Fa o bereka, o seka wa kgoba kgetsi fela o ipolelela gore o sireletsegile ka o na le madi a o a amogelang kgwedi le kgwedi. Re tshwanetse ra itse fa motlha mongwe re tsile go tlogela ditiro tsa rona ka bogodi, kgotsa ka ditsela dipe tse di farologanyeng, mme re tshwanetse ra nna re ipaakanyeditse motlha oo,” ga bua Mme Mogalakwe. Ka jalo, Mokhanselara o gakolotse bomme gore ba seka ba inyatsa, mme ba itshimololele dikgwebo tse ba tlaa tsogang ba itshetsa ka tsone le ba malapa a bone. O gateletse gape gore mosepele mongwe le mongwe wa botshelo o na le dikgwetlho tsa one.A re le fa go ntse jalo ba seka ba latlhegelwa ke tshepo le tsholofelo. A re fa Modimo a santse a ba file thata le nonofo, ba e dirise. Gape le mananeo a puso a teng. Morago ga go tlogela tiro, ga go bonolo go tshela botshelo o sena se o ka itsetsepelang mo go sone mo maikaelelong a gago a botshelo,” ga tlatsa mokhanselara. Fa a akgwa mokhanselara dikgaba, leloko la bomme ba UCCSA, Mme Gaeyo Mothei, o ne a lebogela mafoko a kgothatso a re a mo tiisitse moko e bile o dumela gore o santse a ka itirela thata mo botshelong. O rotloeditse le bomme le basha gore ba ikemele ka dinao, ba itirele. Mme Nkemo Sekwati, mongwe wa maloko a komiti e e neng e rulaganyetsa moletlo, o tlhalositse gore ba ne ba bona go tshwanela e le bomme ba UCCSA go dira dijo tsa motshegare gore ba kokoanyetse kereke le komiti ya bone madi. Mme Sekati a re madi a a kokoantsweng a ya go thusa go rekela magolegwa le balwetse ba ba robaditsweng kwa kokelong dimpho, bana ba batlhoki paka ya sekole, bagodi ba phuthego dilo tse ba di tlhokang ga mmogo le go tsamaisa mokgatlho wa bomme. Mokhanselara Mogalakwe o ne a neela komiti ya bomme P500, go ba rotloetsa mo maikaelelong a bone a go tsosolosa letlole la bone le go kokoanyetsa kereke ya bone madi. Moletlo o, o ne o tsenwe gape ke bomme ba thapelo ba dikereke tse thataro tse di dirisanang le ya UCCSA e bong Roma, Anglican, Jorotane, Methodist, St. John le Spiritual. religion_and_belief 8 Mzwinila o itumelela seemo sa ditlhabololo Mopalamente wa Boteti Botlhaba Rre Sethomo Lelatisitswe a re ga a itumedisiwe ke maduo a a kwa tlase mo dikoleng tsa Letlhakane. Mopalamente o buile jalo fa a buisa phuthego ya kgotla mo Letlhakane bosheng, a tlhalosa gore o tsamaile le dikole tsotlhe tsa Letlhakane go sekaseka maduo mme a fitlhela a sa itumedise. Rre Lelatisitswe o kopile batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana, a tlatsa ka go re puso le yone e leka go baakanya seemo mo dikoleong. O boletse fa kwa sekoleng se segolwane sa Letlhakane go dirwa dipaakanyo tse di tseneletseng ka P56m fa se se botlana sa Mokani sone go agwa matlwana a borutelo le a roba bobedi a barutabana. Fa a ba rolela tse a tswang ka tsone kwa palamenteng, Rre Lelatisitswe o tlhalositse ka melao e le meraro e e fetisitsweng kwa palamenteng e akaretsa wa bogodu jwa leruo, a supa fa go gagamaditswe dikatlholo go nna dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano kana lesome le botlhano fa e le modiramolato wa ntlha. Mopalamente Lelatisitswe a re molao o mongwe ke wa go okediwa ga dingwaga tsa pereko tsa babereki ba dikgolegelo le wa go boela morago molao wa tiriso ya motshine wa ditlhopho, a tlholosa gore go ya go dirisiwa tsamaiso ya gale ya ditlhopho. Kgosi Baruntshi Kegapetswe wa Letlhakane o ne a bolelela mopalamente gore motse wa bone o godile, ka jalo o tlhoka ditlhabololo di tshwana le katoloso ya tsela le go tsenya ditsela tse di fa gare ga motse sekontere. Kgosi Kegapetswe a re ba tlhoka boremelelo jwa marekisetso, kokelo ga mmogo le kampa ya sepodisi. E rile a rolela mopalamente pego ya VDC, modulasitilo Mme Keene Keoarabile a re ga ba robadiwe ke seemo sa metsi a a sa kgoneng go anama le motse otlhe. Mme Keoarabile a re ba na le letlhoko la boroko jwa badirelapuso bogolo jang barutabana, a tlatsa ka go re ba tshwengwa ke seemo sa mosuke kwa sekoloeng se segolwane sa Letlhakane. A re ba kopa go okelediwa dipalo tsa babereki ba Ipelegeng, a tlatsa ka go re ba solofeditswe go agelwa kokelo le kampa ya sepodisi mme ga ba a tlhalosediwe gore dikgang tsa teng di tsamaya fa kae. Rre Odirile Tawana o supile fa makhanselara ba tshwanetse ba buisa diphuthego go isa mananeo a ditlhabololo kwa setshabeng. A re go sale go twe kompone ya Lucara e aga lebala la metshameko nako kgolo ke eno, lenaneo la kgopho ya metsi a a leswe, dipone tsa mekgwatha di eme. A re batho ba lebile Ipelegeng e le yone motswedi wa ditiro ka gore dikompone tse fiwang ditiro mo tikologong di itlela ka babereki. Rre Otsile Mmatlakgomo o ne a botsa gore kgang ya go ntshiwa motho a letela tsheko kwa ntle yone ba dirile jang ka jaana e le yone e dirang gore batho ba ipoeletse go dira melato. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Go botlhokwa go aba ka lorato Mopalamente wa Gaborone Bonnington North, Rre Duma Boko o kopile Bakeresete go ithuta go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka lorato. A re go aba ka lorato go kgatlha Modimo go nale go dira motho a gabile go itsewe ka tsela nngwe mo setshabeng. Rre Boko, yo gape e leng moeteledipele wa kganetso kwa palamenteng, o buile mafoko a kwa kabong dimpho ya Bethlehem City Of Christ Church in Zion ka Matlhatso kwa ntlo kgolo ya kereke eo kwa Tonota. Bethlehem City Of Christ Church in Zion e ne e abela bangwe ba ba tlhokileng lesego ba le masome mararo dikobo le dijo. A re tumelo e e se nang ditiro e loleya e bile ga e na mosola. A re modumedi o tshwanetse go bonwa ka ditiro e seng go direla dilo gore a tle a tlotlomadiwe. Rre Boko o file sekai sa gore mo malatsing ano o ka fitlhela bangwe kgotsa dikompone di aba fela gore dipampiri tsa dikgang di kwale ka ga bone. A re dikompone tsa go nna jalo di a bo di dira di gabile dilo dingwe. A re mme se se botlhokwa ke gore batho ba dire ka tumelo le lorato e seng go ikgatlha ka letlhoko la ba bangwe. O bile a re bangwe baeteledipele ba abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka maikaelelo a go kopa tlhopho mo go bone. A re fa go nang le boModimo teng, batho ba fiwa ka lorato le tlotlo a ba a kopa kereke go aba ka e setse morago thuto ya Baebele. Rre Boko a re go aba dimpho ke selo sa nakwana, ka jalo go botlhokwa go thusa ba ba tlhokileng lesego ka thuto e e lekaneng go ba thusa go itshetsa botshelo jotlhe. Rre Boko o ne a eleletsa kereke le ba ba neng ba abelwa masego a ba a rotloetsa dikhwaere tsa kereke eo ka P1000. Fa a ntsha la gagwe, mookamedi mogolo wa kereke eo, Rre Daniel Moipolai o ne a re maikaelelo a kereke ke go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba ya go nna kutlwelobotlhoko e bile e kgathala. A re ke sone se ba boneng go tshwanela gore ba abele ba ba tlhokileng lesego. Rre Moipolai o ne a rotloetsa ba ba neng ba abelwa go dirisa mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone gore le bone ba kgone go thusa ba ba dikobo dikhutshwane mo isagong. O ne a leboga Mopalamente wa pele wa Tonota, Rre Pono Moatlhodi go bo a ba kgothaditse gore ba abe, a re ba tlaa phatlalatsa tiro e ya go abela batlhoki le dikgaolo tsotlhe tse kereke e mo go tsone. O ne a ba a solofetsa fa a tlaa aba podi kwa kgaolong e e tlaa latelang go abelwa. religion_and_belief 8 Motlobo wa dibuka o aba dimpho E rile bosheng ba motlobo wa dibuka kwa Bobonong ba rekela Mme Elizabeth Olefile dimpho tsa keresemose di akaretsa dijo le melora. Fa a bua kwa kabo dimphong eo, mogolwane wa motlobo wa dibuka mo Bobonong Mme Betty Mazebedi o supile fa ngwaga o e le wa bosupa ba ntse ba abela batho ba ba tlhokileng lesego dimpho. O tsweletse a supa fa go aba dimpho mo go ka rotloetsa mowa wa tomagano le popagano mo setshabeng. Mme Mazebedi a re dimpho tse ba di abetseng Mme Olefile di tla tlisa boitumelo le tshwaragano mo lelwapeng lwa gagwe a bo a tlhalosa fa go neela motho mpho mo botshelong go dira gore yo o abetsweng a ikutlwe a na le seriti. Mme Mazebedi a re le ntswa ba tsile go aba dimpho mo letlhakoreng le lengwe ba tsile go itsise baagi ba kgaolo ka ditirelo tse di fitlhelwang mo motlobong wa dibuka di akaretsa inthanete. A re ga se boammaaruri gore motlobo wa dibuka o diretswe bana ba dikole le batho ba ba rutegileng fela ka jalo a rotloetsa baagi ba kgaolo eo go dirisa motlobo wa dibuka go anya dikitso ka dilo dingwe tse ba eletsang go ithuta ka tsone. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya motlobo wa dibuka mo Bobonong, Rre Moffat Mothudi a re Modimo o itumelela go bona dipelo tsa batho di nna di itumetse. Rre Mothudi o tlhalositse fa go abela batho ba ba tlhokileng lesego dimpho go ba nonotsha mo moweng mme e e bile go itsa borukhutlhi. BOKHUTLO society 9 Dikgosi di rotloediwa go bala Moeteledipele wa lekgotla la ditsheko tsa Setswana Kgosi Christopher Masunga a re go botlhokwa gore dikgosi tsa lefatshe leno di inaakanye le go bala dibuka tsa molao pele ba ka atlhola ditsheko. Kgosi Masunga o buile kwa thuto puisanong e e neng e biditswe ke kgosi wa Chanoga ka Mosupologo (Lwetse a le lesome le bobedi), go ya go itshekatsheka le go tlhatlhelelwa ka tiro ya bone. O tsweletse a re go tlhoka go bala go ka ba dirisa diphoso tse dikgolo. O tsweletse a re go inaakanya le go bala go ka itsa tlhakatlhakano e gompieno e leng teng mo makgotleng a Setswana, a tlatsa ka gore kgosi ga a tshwanela go tsaya letlhakore mme o tshwanetse go itse gore ene ke motshereganyi. Kgosi Masunga o tlhalositse fa a buisiwa mafoko ao ke gore dikgosi ka bontsi di nna di botsa gore ke eng ba ditsheko tsa Setswana ba nna ba tsholola dikgang tsa bone, a re bone ba kgona go lemoga segolo jang fa kgosi a tsere letlhakore ka gore o tlaa fitlhela motho yo mongwe a boditswe dipotso tse pedi fa yo mongwe a boditswe di le masome a mabedi. O ba kopile go atlhola dikgang ba sa solofela go amogela sepe ka fa tlase ga tafole, a re ka dinako tse dingwe motho o kgona go gana go sekisiwa ke kgosi yo mongwe a bo a bolela fa a batla kgosi e sele a re tota ga go a tshwanela go nna jalo. Kgosi Masunga o bile a kopa ba bogosi go emisa go dirisa mafoko mangwe jaaka lefoko la mosekisiwa a re motho wa go nna jalo o a bo a ise a bonwe molato mme a re ga gona jaaka a ka bidiwa mosekisiwa fa e se mmelaelwa a re o ya go nna mosekisiwa fela a sena go bonwa molato. O bile a re dingwe tsa dikgolegelo di tletse phetelela mme a re ene o dumela fa di tlatswa ke dikatlholo tse di seng maleba tsa bangwe ba dikgosi mme e le ka go sa baleng molao, mme a ba kopa gore ka dinako tsotlhe fa ba sekaseka ditsheko ba sale morago ditsetlana tsa 12,13,15 le 21 tsa molao. A re ba atlhole ba ikaegile ka tsetlana ya molao motheo ya bo lesome ya go sala ngwao morago gore ba seka ba gataka ditshwanelo tsa yo ba mo lebisang molato ka gope, a tlatsa ka gore go botlhokwa thata go itse seikokotlelo sa tiro ya bone. Kgosi Masunga obile a re fela jaaka dikgosi, bakwaledi le bone bana le diphoso tse di supang fa ba dira tiro ya bone bale boitseme mo go yone le botlhoka kitso, a re mme gongwe bone ke bone ba dirileng phoso ka bantse ba dumela gore kgosi kana mokwaledi ba rutwa tiro ke kgosi e nngwe kana mokwaledi yo mongwe ba sa ba ise kwa dithutong tse di tseneletseng. E ne erile go le pele bangwe ba dikgosi ba batla go itse gore ke eng fa e re ba atlhotse batho e re morago ga malatsinyana ba ba bone ba tsamaya mo motseng ntswa lebaka le ba neng ba le ba atlholetse le sa goroga. Kgosi Masunga o ne a ba gakolola gore melato e mengwe ga se e e tlhokang gore ba romele batho kwa dikgolegelong mme ba ka neelwa dikatlholo tse dingwe tse di leng teng kwa ntle ga kgolegelo go fokotsa le one mosuke kwa pele. O bile a kgalela bangwe ba dikgosi go iphetisa dino le gone go sa theogeleng ka nako le go apara sentle, a re motho fa a tsena mo kgotleng o tshwanetse go bona gore kgosi ke ofe a re ga a reye gore ba kgabe mme ba lebege, a re ka dinako tse dingwe ke sone se ba reng bakwaledi ga ba ba tlotle. Kgosi Ebineng Potsoeng wa Tsau o ne a re ka dinako tse dingwe ba dirisiwa diphoso ke ba sepodisi segolo jang mo dikgannyeng tse ba di romelang kwa go bone a re gone foo ke gone fa e kareng motho a sa bala a iphitlhela a isitse motho kgolegelong ka molato o a sa o dirang. A tlhalosa fa ene kwa kgotleng ya gagwe a setse a na le dikgang tse dingwe tse a setseng a kile a di busetsa kwa go bone ba sepodisi ka a ne a lemogile fa di sa salwa morago sentle mme a tlatsa ka gore o ne a thusiwa ke gone go bala, a tlhalosa fa go le botlhokwa thata. education 4 Billy o rotloetsa banana go tsena diphuthego tsa kgotla Mopalamente wa Francistown Botlhaba, Rre Buti Billy a re go tlhoka go tsena diphuthego tsa kgotla ga banana go ba baya ka fa mosing ka jaana ba tlolwa ke melaetsa ya botlhokwa ya mananeo a a ka ba tswelang mosola. Fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng kwa Area S, Rre Billy o gateletse botlhokwa jwa gore banana ba dirise mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone. A re mananeo a a akaretsa letlole la tlhabololo dikgwebo tsa banana le la dikoporase. A re puso e simolodisitse mananeo a ka gore go nonotsha bananana go na le seabe mo kgolong ya itsholelo. Rre Billy a re banana ke bone ba ba di gogang kwa tlhogong mo kgodisong ya itsholelo, ka jalo fa ba sa tsee karolo go raya gore itsholelo ga e tokafale. O bile a lekodisa batsena phuthego ka lenaneo la ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi le le akaretsang go ntsha Botswana mo go ikaegeng ka meamuso go itsetsepela mo go tsa dikitso. Rre Billy a re se se raya gore batho jaanong ba tlaa nonotshiwa ka dikitso gore ba nne le seabe mo kgolong ya itsholelo, ka jalo se se tlhame mebereko. A re keletso ya ga tautona ke go bona banana ba ba nang le boikarabelo jwa go tsamaisa dikgwebo, segolo jang banana. Ke ka moo go nang le ditaelo di le mmalwanyana go tswa ofising ya ga Tautona tse di itebagantseng le thotloetso ya dikgwebo tsa banana. E re dikgang di eme jalo, ofisi ya banana ya kgaolo ya Francistown e kwadisitse dipalo tse di kwa godimo tsa go tlhoka go ya tirong ga banana ba Tirelo Setshaba. Mogokaganyi wa ditirelo tsa banana mo kgaolong Mme Minkie Bokole o boleletse phuthego a re se ga se ba jese diwelang le ba lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao. A re banana ka bontsi ba ba direlang mo kgaolong ya gagwe ga ba dire go ya ka tumalano. Mme Bokole a re banana ka bontsi ba tla fela go tsaya mokwalo o o rurifatsang fa ba dira gore ba kgone go bona dikatso mme e re morago ba tsene ka lenga la seloko go fithelela ba iponagatsa gape kwa ba direlang teng kgwedi e e latelang. Le fa go ntse jalo, a re go sa tleng sentle tirong ga bone go dirwa ke mabaka a le mmalwa a a amang itsholelo ya bone ka bangwe ba nna kgakala. A re kgaolo ya Francistown e filwe seelo sa 760, fa ba ba letileng go bidiwa ba le 1 700, a tlatsa ka go re ba setse ba tsere banana ba le 652. O tladitse ka go re banana ka bontsi ba ba amuleng sengwe mo mananeong a puso ga ba duele madi a kadimo. Mme Bokole o tlhalositse fa banana ba ipetola mme a re se se dirwa ke gore batsadi ka bontsi ga ba godise bana sentle. O ngongoregetse gore banana ga ba na kgatlhego mo go ikopeleng diphatlha kwa sekoleng sa Francistown sa ithutelo ditiro tsa diatla. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ba Kweneng le Boatlaname ba amogela dipolase Banni ba metse ya Kweneng le Boatlaname mo kgaolong ya Kweneng ba amogetse pego ya go segwa ga dipolase tsa kgwebo tse di tlaa simolang go bewa kwa dikgaolong tseo ka Phatwe. Banni ba mafelo ao ba amogetse pego e e neng e rolwa ke modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Kweneng, Rre Moemedi Babitseng mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng eo. Rre Moemedi Babitseng o tlhalositse ka thulaganyo ya go segwa ga dipolase tse di masome mabedi le borobabobedi, tsa diekere tse di lekgolo go ya go makgolo a matlhano ka tshwaragano le lephata la tlhabololo temo-thuo le tlhomamiso dijo. Thulaganyo e e ya go dirwa mo dikgaolong tsa Kweneng le Boatlaname. A re thulaganyo eo, ke e maikaelelo magolo a yone e leng go tokafatsa le go tlhabolola seemo sa go ntshiwa ga dijo, gore Botswana a kgone go ikemela le mo dipakeng tsa komelelo. Rre Babitseng o ne a tlhalosa gape ka lefatshe la bophara jwa di ekere tse di makgolo a ferang bobedi tse di tlaa seegelwang thoko go diirisiwa ya morafe wa dikgaolo tseo, fa balemi ba dipolase bone ba tlaa bo ba le mo kgwebong. A re kgaolo ya Kweneng ke nngwe ya tse di tlhophilweng go itebagantswe le go thusa go ntsha thobo e e kwa godimo ya lesika la mabele le dinawa go ka itshetlela mo mabakeng a seemo se se sa iketlang sa loapi. “Fa lefatshe le ntse le tlhabologa, le kgaoganngwa ka tiriso, dikgaolo tsa Bophirima di tlaa tlhophelwa go itebaganya le thuo, fa tsa botlhaba di akaretsa Kweneng, e tlaa nna tse di itebaganyang le temo go tokafatsa seemo sa dijo tse lefatshe leno le ka di itirelang go oketsa thobo ya Mosisidi le Pandamatenga, tse di tlwaelesegileng ka serodumo sa temo,” ga bua Rre Babitseng. Banni ba ne ba atla thulaganyo eo ka go supa fa ba lebogela gore e tlaa thusa go ba atameletsa ditlamelo tse di tlaa thusang gape go ba bulela diphatlha tsa mebereko. Ba ne ba supa fa ba na le tsholofelo ya gore itsholelo ya kgaolo ya bone e tlaa tokafala ka jaana go tlaa thusa gape go godisa lorato lwa bone lwa go inaakanya le temo. E re le ntswa batho ba Kweneng le Boatlaname ba ne ba lebogela lenaneo leo, banni bangwe ba ne ba supa fa ba le ’bete se molangwana ka keletso ya gore go kabo go seegetswe e le nngwe fa thoko go rotloetsa morafe go e dirisa mo thuong ya dihutshane. “A thulaganyo e e nne e e ka fang banana sebaka sa go itepa lesego ka go dira gore phadisanyo e nne mo go rona ba metse e e yang go amega mo thulaganyong ya go segwa ga dipolase pele ga e atolosediwa kwa go botlhe,” ga ikopela Mme Seanokeng Ntsoke. E rile a tsibogela matshwaenyego a morafe, Rre Babitseng a re lekgotla la kabo ditsha le mo thomong e e setseng molao morago, ntlha e e tlaa padisang go fetola ditshwetso tsa ka fa thulaganyo e ntseng ka teng go sala morago dikeletso tsa morafe. O rotloeditse botlhe ba ba nang le keletso ya go rua go nna malala a laotswe ka jaana go segilwe dipolase tsa mohuta oo gape kwa Motokwe le Khekhenye tse tsone di tlaa bong di itebagantse le kgwebo ya leruo. “Ke rotloetsa gore ba ba nang le tshusumetso mo nngweng ya dithulaganyo tseo ba seka ba ipona tsapa, mme ba tsenye letsogo go ya ka bokgoni jwa bone le go ipopa ditlhopha. O tlhlositse fa ikopelo e tla bulelwa ka Phukwi mme go bewe ka Phatwe.Ends economy_business_and_finance 3 Bakwadisi ba gakololwa go itshwara sentle Banana ba ba tlaa kwadisang ditlhopho ba kgothaditswe go itshwara sentle le gone go sala melawana ya ikwadisetso ditlhopho morago. E rile mogolwane yo o okametseng ofisi ya ditlhopho kwa Okavango le Ngami, Rre Obabaletse Gaotsenelelwe a ba tlhatlhelela, a tlhalosa gore go botlhokwa go thusa setshaba ka maitseo. O boletse gore fela jaaka ba thapilwe go thusa go kwadisa ditlhopho, tiro eo ke e e nang le boikarabelo jo bontsi thata. Rre Gaotsenelelwe o tlhalositse gore le gone go theogela ka nako go botlhokwa ka ba tlaa bo ba kopana le batho ba ba farologanyeng. O kgalemile ope yo o ka lekang go supa sepolotiki a re ga se ka fa molaong, mme ba tshwanetse go itse fa ba bereka e le bakwadisi ba ditlhopho e seng ba phathi epe. Mo go tse dingwe, Rre Gaotsenelelwe o ba gakolotse gore go botlhokwa go ela tlhoko gore go ikwadisediwa fela mo lefelong le le lengwe, mme a ba bolelela gore ga go letlelelwe gore motho kana lepolotiki le leke go ba biletsa fa thoko go leka go ba gogela le fa e le kwa merakeng go ya go kwadisa batho. O boletse gape gore mo sebakeng se ba tshwanetse go ithuta go bereka le batho. Bakwadisi ba ditlhopho ba ba lekgolo le go feta, ba ne ba tlhatlhelelwa ka go kwadisa batlhophi, le go bontshiwa didirisiwa tsotlhe tse ba tlaa bong ba di dirisa. Baithuti ba ne ba nna le sebaka sa go botsa dipotso go tlhaloganya gore ba tle ba kgone go kwadisa ditlhopho sentle. Mongwe wa baithuti, Rre Atamelang Boranabi o ne a tlhalosa mo potsolotsong gore dithuto tse di mo rutile gore fa motho a tla go ikwadisa o tshwanetse a botsolodiwa pele ga go mo kwadisa le go bona gore o tshotse tse di tlhokegang. O tlhalositse gape gore o ithutile gore o tshwanetse go nna botho, le go tshwara sephiri gape le gone go tsaya mongwe le mongwe ka tekatekanyo. Ikwadiso ditlhopho e tlaa simolola kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi a le mane e wela e le masome a mabedi le bosupa. Bokhutlo politics 7 Puso e emetse Batswana ka dinao Mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele, o tlhomamiseditse banni ba Otse fa puso e eme ka dinao go lwantsha lehuma. Mopalamente o buile se fa a busia phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng. Rre Makgalemele o ne a kopa lephata la boipelego go ema ka dinao go sekaseka diemo tsa Batswana le go ba fa thuso e e lebaneng. A re go le gantsi Batswana ba ngongorega ka badiri ba boipelego ba ba maoto a tshupa go dira tiro. A re phuthego ya palamente e e sa tswang go feta, e fetisitsemolao wa gore tsamaiso ya matlhabelo a BMC e fetisediwe kwa Batswaneng. Rre Makgalemele o kopile barui ba Otse go lemoga fa se e tlaa bo e le sebaka sa go nna karolo ya botsamaisi jwa matlhabelo ka go reka diabe mo khamphaneng eo. A re puso e leka ka bojotlhe go tlhofofatsa dilo gore Batswana ba kgone go nolofalelwa ke maano a go itshetsa. Rre Makgalemele o buile gape ka molao wa go kwadisa dikhamphani mo go tsa maranyane a CIPA a re go tlhofofaditse ga bo ga bolokela ba le bantsi madi a go latela thuso kwa di ofising. A re go na le dikgwebo tse di potlana tse di sa tlhokeng diteseletso ebile dingwe tsa dikgwebo di letlelelwa di ka direlwa mo malwapeng. O kopile banana kwa Otse gore le fa ba le kgakala le ditlamelo, ba seka ba ipona tsapa, mme ba akole mananeo a puso e a diretseng banana. Rre Makgalemele a re puso e tlaa tswelela e tlhofofatsa mananeo gore banana ba a akole. Monana wa motse, Rre Kelediretse Rauma, o tlhaloseditse mopalamente gore go tlhoka diofisi tsa banana kwa motseng oo, go ba baya ka fa mosing fa go tla nako ya go tsaya mananeo ka go tlhoka madi go latela diofisi. Mmaboipelego mogolo wa dithabololo, Mme Wame Papo, o ne a rurifatsa kgang ya gore baithuti bangwe ba ntshitswe kwa hosteleng . “Fa re ne re bua ka gore bana ba fokotsege mo hosteleng re tsamaisiwa ke melawana e e reng, ngwana o tshwanetse go nna le batsadi ba gagwe. Mo lenaneong la batlhoki fa go seka sekwa ngwana go sekasekwa gape le batsadi ba gagwe mme ba thusiwe mmogo go lebilwe letlhoko la bone,” Mme Papo a tlhalosa. A re batsadi ba ba ikgatholosang le go sa thokomeleng bana ba ka tseelwa dikgato tsa semolao. politics 7 Seabe sa batsadi se botlhokwa Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Motokwe Mme Seikgopi Mphotlwe a re o tshwentswe ke tlhaelo ya kemonokeng ya batsadi mo thutong ya bana. E rile a bua mo potsolosong bosheng, Mme Mphotlwe one a tlhalosa fa go tlhoka kemonokeng le go tshwaraganela thuto ya bana go na le seabe mo go weleng tlase ga maduo a bana, mme a re go ngomola pelo go bo batsadi ba le maoto a tshupa mo thutong ya bana le ntswa e le yone e e ka tsogang e ba boloka. A re go na le batsadi ba ba rontshang bana tshwanelo ya thuto ka go ba ntsha mo sekoleng ba ya go nna le bone kwa merakeng. A re matswenyego a mangwe a ba nang nao mo sekoleng seo ke a palo e e kwa tlase ya barutabana, a re se se dira gore ba felele ba kopanya bana mo matlwaneng a borutelo gore ba rutwe ke morutabana a le mongwe. O ne a tswelela a supa fa bana ba na le bokgoni mme ba tlhoka thotloetso go tswa mo botsading, a bolela fa sekole sa gagwe se okeditse maduo a lekwalo la bosupa ka palo ya masome a mabedi mo lekgolong go tswa mo maduong a ngogola a re ba itlama go tshwara ka natla gore maduo a a seka a wela ko tlase. E rile a latlhela la gagwe, Mme Ontlametse Lephirimile yo e leng morutabana wa bana ba lekwalo la ntlha a supa fa go le botlhokwa gore batsadi ba kwadise bana ba bone ka dipalo tse di nametsang gore ba ba bule ditlhaloganyo gore e re ba ya go dira lokwalo lwa ntlha ba bo ba setse ba kgona go bala le gone go kwala. A re thuto ya bana ba bannye e botlhokwa fela thata ka e ruta ngwana pharologanyo ya sekole le kwa lwapeng gore ba seka ba tshaba sekole fa ba setse ba alogile. O ne a tswelela a supa fa a tshwenngwa ke batsadi ba ba sa thuseng bana tiro ya bone ko lwapeng ka ba felela ba ketefalelwa ke go itse gore a ngwana o tlhaloganya se a se rutiwang kgotsa jang. BOPA education 4 Paakanyetso boipuso jwa 2016 e tsweletse Mme Charity Kgotlafela yo o okametseng lekalana la Bot 50, le le itebagantseng le go ipaakanyetsa ipelelo boipuso ya dingwaga tse di masome a matlhano (50) ka ngwaga wa 2016, o tlhalositse fa dithulaganyo di tsweletse go baakanyetsa ipelelo letsatsi leo. Mme Kgotlafela o roletse dikgosi ka fa dipaakanyo di tsamayang ka teng, kwa phuthegong ya bobedi mo go tse tharo ya Ntlo ya Dikgosi e e neng e tshwaretswe mo Gaborone. O tlhalositse fa mo bogompienong ba tsweletse le dipaakanyo tsa boipuso jwa monongwaga, tse ka tsone di tlhagolelang tsela ya gore boipuso jwa ngwaga wa 2016 e nne phitlhelela. A re tsholofelo ke gore boipuso jwa monongwaga le fa bo ka se tshwane le jwa ngwaga o o tlang, go supagale ka diphetogo dingwe gore ke ipaakanyetso moletlo mogolo wa ngwaga wa 2016. O tsweletse ka go tlhalosa gore ditiragalo tse di neng di dirwa ka ipelelo boipuso ya dingwaga tse di fetileng, di tlaa tswelela ka go dirwa mme go tlalediwe ka diphetogo tse disha mo godimo. Mme Kgotlafela a re go tserwe tshwetso ya gore ditiragalo tsa letsatsi leo di diragale lefatshe lotlhe ka bophara e seng gore go itebagangwe le mafelo a le mangwe fela. “Go seka ga nna le meletlo e go tweng ke ya ditoropo le e go tweng ke ya kwa magaeng, re batla gore meletlo yotlhe e e dirwang e dirwe lefatshe ka bophara,” a tlhalosa. O ne a tlholosa fa dingwe tsa diphetogo tse di tlaa dirwang di tlaa akaretsa gore ditumelo tsotlhe mo lefatsheng leno e nne karolo mo ipelelong letsatsi leo, e le nngwe tsela ya go supa letshego la gore setshaba se a kgathala ka batho ba bangwe. A re sengwe gape se se tlaa tswakanyang boipuso, e le nngwe ya diphetogo e tlaa nna Electronic Music Festival o o itebagantseng le bana, e le tsela ya go leka go oka banana go nna le karolo mo go ipeleleng boipuso le go itse sekao sa jone. Mme Kgotlafela a re ba dirile thulaganyo ya gore go nne le molelo wa kgolagano o o tlaa dikologang lefatshe leno ka bophara. A re molelo o tlaa emelela mo Gaborone, kgwedi ya Lwetse e tlhola gangwe mme o dikologe lefatshe lotlhe sebaka sa ngwaga. O tlhalositse fa sekao sa molelo oo e le lesedi le le tsereng tshaba ya Botswana kwa e tswang teng, mme le ntse le gogela setshaba ko se tshwanetseng go ya teng. O kaile fa lebone leo le tshubilwe lantlha ka ngwaga wa 2004 mme le mo bogompienong ga molelo o, o ise o time, a supa ka mananeo otlhe a maikaelelo a one e leng go tokafatsa matshelo a motho. Mme Kgotlafela o kopile dikgosi gore ba dire dithulaganyo tse di tlaa natetshang letsatsi ka nako ya fa ba amogela molelo wa kgolagano mo dikgaolong tsa bone. BOKHUTLO politics 7 Bojalwa le motsoko di diphatsa Mogwebi yo motona wa bojalwa jwa Setswana, Mme Kago Masake kwa Maun, a re o tlogela kgwebo ya bojalwa le motsoko. Mme Masake, yo o tlwaelesegileng ka leina la Mmambakata, o simolotse kgwebo ka 2007, e le kgwebo e a e tsereng e le boswa go tswa mo batsading ba gagwe. O kaile jalo mo modirong wa ipelelo letsatsi la botsogo jo bo eletsegang la borwa jwa Afrika, o o neng o rulagantswe ke bana ba sekole sa ithutelo tiro ya booki sa Francistown Institute of Health Science kwa Maun bosheng. O supile fa a ithutile go le go ntsi mo letsatsing leo, a kaya fa botsogo jwa ba le bantsi bo le mo diphatseng ka lebaka la bojalwa le motsoko wa gagwe. ‘’Ke batla go tlogela kgwebo ya bojalwa le motsoko ka gore ke lemogile gompieno gore ke tsentse batho ba le bantsi mo diphatseng,’’ a tlhalosa. O ne a supa fa a utlwa botlhoko ka lebaka la gore ene le ba lelwapa la gagwe ba sa je se ba se rekisang, ka jalo ba bolaya ba bangwe, selo se a supileng se mo rotloetsa go tswa mo kgwebo eo. Mme Masake o supile fa ka 2010 a ne a iteka lesego la go ikwadisetsa lenaneo la nyeletso lehuma gore le mo thusa go dira kgwebo e sele, mme ka maswabi a seka a atlega. A re o lekile mananeo a Gender Affairs, mme le teng a seka a atlega ka lebaka la gore kgwebo e a neng a e eleditse go ka e dira e ne e tlhoka gore a bo a na le batho ba le bararo gore ba kgone go fiwa madi a a lekaneng. ‘’Ke eletsa go boela kwa go bone ba Gender Affairs monongwaga go ya go iteka gape. Ke eletsa le gone go ka rua dipodi kana dikoko tsa mae le nama ka gore nna ke mosadi wa kgwebo,” a tswelela. Mme Masake o supile gape fa a eletsa go ikopanya le bommasepoto ba bangwe mo motseng gore ba kgone go tsena maneneo a Gender Affairs a a tlhokang palo ya batho ba ba fetang bobedi. “Fa bommasepoto botlhe ba ka kgona go bona mananeo a Gender Affairs le a nyeletso lehuma, go ka thusa mo go lwantsheng seemo sa malwetse a a bakwang ke bojalwa le metsoko e gantsi re e rekisang mo malwapeng,’’ a akgela. Mme Masake, yo o direlang kgwebo ya gagwe mo lwapeng kwa Botshabelo, o supile fa bontsi jwa borre, banana le bomme ba etela madirelo a gagwe ka bontsi, selo se a supileng se mo rotloeditse go tswelela mo kgwebo eo. Le fa go ntse jalo, o galaleditse lephatla la botsogo le bana ba sekole sa IHS go bo ba mo laleditse mo modirong wa bone. “Bana ba sekole sa IHS ba ne ba tsena kwa lwapeng la me beke e e fetileng ba le mo lenaneong la bone la go sekaseka botsogo jwa rona re le banni ba Maun, selo se se nthotloeditseng go tla modirong wa bone,’’ ga bua Mme Masake. O supile fa a tlaa tswelela ka go ikopanya le ba botsogo go ithuta go le gontsi ka malwetse a a sa tshelanweng le gore o ka ruta jang bommasepoto ba bangwe gore ba kgone go felela ba tlogetse dikgwebo tsa bone. education 4 Bogodu jwa leruo bo ile magoletsa kwa Kgalagadi Motshwarelela rapodisi a Tsabong Assistant Superintendent Keagatswe Lorato a re mapodisi ga ba jesiwe diwelang ke bogodu jwa leruo bogolo jang jwa dihutshane jo bo ileng magoletsa mo kgaolong ya Kgalagadi borwa. Mo potsolosong le ba lekalana la dikgang la BOPA ka Labotlhano, Ast Supt Lorato o tlhalositse fa mapodisi a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone,go fitlhetsweng banna bangwe ba le babedi ka dinamane tse tharo tse go belaelesegang e le tsa bogodu. Assistant Superintendent Lorato o boletse fa morago ga go longwa tsebe ke mongwe, ba ne ba ragogela ko lefelong leo, mme ba fitlhela marole mo lesakeng la babelaelwa bao kwa morakeng mongwe gaufi le motse wa Tsabong. O boletse fa mapodisi ba fitlhetse matshwao le ditshipi tsa babelaelwa bao, ba ba dingwaga tse di leng masome a marataro mo maroleng ao, a a kaileng fa a farologana le bommatsone morago ga go lemogwa ke beng ba tsone. Assistant Superintendent Lorato o kaile fa babelaelwa bao ba sa ntse ba thusa mapodisi mo ditlhotlhomisong mabapi le tiragalo eo, mme e tla re mo bogaufing ba isiwe fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata. Mme fa ba ka bonwa molato ba tla a tlholelwa dingwaga tse tlhano mo kgolegelong kana go feta foo. Rre Lorato o tlhomamisitse fa bogodu jwa leruo bo gaketse thata mo kgaolong ya gagwe, ka mo ngwageng ono go simolola ka kgwedi ya Hirikgong go fitlha e e fitileng ba setse ba gatisitse dikgetsi tse di masome a mabedi le bongwe, tse bontsi jwa tsone e leng dihutshane. Assistant Superintendent Lorato a re e re ntswa puso e leka ka bojotlhe go tlhabolola matshelo a Batswana ka mananeo a farologanyeng, magodu one a dira maretshwa otlhe go amoga batho ditsa bone. O boletse fa mapodisi ba tla a tswelela ka go buisa diphuthego tsa kgotla mo merakeng, go tshwara dithuto seka dipuisano mo metseng ee farologanyeng mo kgaolong eo e le maiteko a go leka go fenya bogodu. O kaile fa maikaelelo e le go leka go gakolola barui, go ba ruta go tlhokomela leruo la bone ka go le tlhola kgapetsakgapetsa, go le tshuba, go le tshwaya le sa le lennye, ka seo se ka thusa thata mo go fediseng bogodu jwa leruo.BOPA crime_law_and_justice 1 Tshekatsheko ya nyeletso lehuma ga e lebe matlo Mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane, Rre Vincent Seretse o latotse gotlhelele mabarebare a a reng tshekatsheko ya nyeletso lehuma e leba gore baikopedi ba na le matlo a sebopego se fe gore ba atlege mo lenaneong leo. Mopalamente Seretse, yo e bileng e le tona wa lephata la peeletso, papadi le madirelo, o buile jaana ka Labobedi fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Mahetlwe. Rre Seretse o rurifaditse kgang e morago ga gore monni mongwe wa Mahetlwe e bong Rre Babedi Keabilwe a ngongoregele gore ga a kgotsofalele ka fa bommaboipelego ba dirang ditshekatsheko tsa lenaneo la nyeletso lehuma ka teng. A re dipotso tse di bodiwang le go lebelela sebopego sa matlo a a agilweng di tsile go paledisa bana ba bone go annywa meamuso ya puso e tshwana le lenananeo la nyeletso lehuma. Rre Keabilwe are bana ba felela ba retelelwa ke go tsaya mananeo ao ka lebaka la gore batsadi ba bone ba agile bonno jo bo rileng ntswa matlo ao e se a bana ba ba ikopelang mananeo mme e bile bone batsadi ba ba agileng bonno joo, le go bereka fa gongwe ba sa tlhole ba bereka. Ka jalo a gatelela gore golo moo fela ka bo gone go beile bana ba bone ka fa mosing mme ebile ba tla palelwa ke go itshetsa. Fa a tswa la gagwe mmaboipelego wa kgaolo ya Lentsweletau Mme Desiree Thobega are fa ba dira ditshekatsheko tsa bone ga ba lebelele matlo mme ba a bo ba batla go bona gore a botlhoki bo teng ka boammaruri. O bile gape a gatelela gore botlhoki bo supiwa ke dilo tse dintsi di tshwana dikago le tse dingwe. Mo go tse dingwe banni ba Mahetlwe bare ba lela ka tsela ya Lentsweletau-Kweneng, bare ba batla e tshelwa sekonotere. Rre Kelekamang Keobatile mongwe wa banni are ga a itumelele ka fa madi a dikgaolo a kgaogantsweng ka teng. A re banni ba motse ba ne ba kopile go direlwa megotlha e mebedi le letamo. Ka jalo o kopile mopalamente gore dikeletso tsa morafe di nne di tsibogelwa. Mopalamente Seretse o tsweletse ka go buisa diphuthego mo kgaolong ya gagwe a lekodisa banni ba metse ka go farologana ka dikgang tse di tswang palamenteng le gone go tsaya megopolo mo go bone go ya palamenteng e e latelang. BOPA politics 7 Tseo konokono Tona wa thuto e kgolwane, dipatlisiso, boranyane le boitseanape, Rre Alfred Madigele a re go aga tshaba e e nang le maikarabelo e bile e utlwana go simologa kwa lwapeng. Dr Madigele yo gape e leng Mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang, o tlhalositse jaana bosheng kwa Lorolwane fa a kgothatsa banyalani ba ba neng ba nyalana ka lenaneo la Re a Nyalana. Dr Madigele o a re lenyalo le, ga se la dipampiri fela, le le dirilweng mo dinaong tsa Modimo fela jaaka le Baebele e tlhalosa gore bobedi bo tlaa kopana e nna motho a le mongwe. O ne a tlhalosa gore e le bogogi ba dumela fa go tlhabolola tlhaloganyo ya motho go ka ba isa golo gongwe. Le fa go ntse jalo, molomaganyi wa lenaneo la Re a Nyalana kwa Mochudi, Mme Annah Morwaagole a re tiro ya bone ke go ruta Batswana, go ba fa bogakolodi jwa gore lenyalo ke eng. A re ba itebagantse gape le go ruta go tlhokomela bana ba ba fitlhelwang ke lenyalo le go ikatumetsa ngwana o mo tsaya ka molao, o mo tlhokomela jaaka wa gago. Mme Morwaagole a re ba dirile jaana ba sena go lemoga gore molaodi fa a nyadisa ga a na nako ya gore o ka bodiwa dipotso le mmakaseterata o tiro ntsi. Mme Morwaagole o rotloeditse ba ba neng ba le koo go akola mananeo a puso ka gore ke a mongwe le mongwe. A re le setlankana sa lenyalo se supa fa ngwana yo o dingwaga tse di masome mabedi le bongwe a lekane go nyalwa, fa yo o dingwaga tse di lesome le boferabobedi a ka supelwa ke batsadi. Mmakaseterata yo mogolwane wa Kanye, Rre Bame Ngaka fa a tlhalosa ka ditshetlana tsa botlhokwa. A re fa motho a tsena mo lenyalong la tlhakanelo dithoto o tshwanetse a itse gore go dira jalo bobedi bo tsena mo seemong se se tshwanang go sa kgathalesege gore mang o dira eng mo botshelong. O tlhalositse gore se, se ka thusa gore bobedi bo kgone go akantshanya bo thusana ka megopolo go gaisa fa yo mongwe a akanya a bo a tsaya ditshwetso ka bonosi. Rre Ngaka a re o lemogile gore le fa batho ba ka tswa ba utlwana mo lenyalong, mme fela dithotho di botlhokwa ka gore fa yo mongwe a sa di dirise sentle o kgona go felela a bolaya kutlwano e e mo gare ga bone. Rre Ngaka a re o lemogile gore dikgwetlho tse di tsisiwang ke dithotho di dirwa ke go tlhoka tirisano mmogo. Fa a ama dikgang tsa bana, a re fa o na le ngwana kwa ntle ga lenyalo o kgona go mo kwala mo pampiring ya gago e o kgaoganyang boswa jwa gago o santse o tshela mo go yone (Will) gore a nne le sebaka sa go fiwa boswa fa motsadi a tlhokafala. O tlhalositse gore mme fa motsadi a sa dire jalo, ngwana yo, o a go ronwa ke ditshwanelo tsa gagwe ka gore boswa jwa motsadi wa gagwe bo ya go ajwa ka fa tsamaisong ya Setswana a sa akarediwe. Le fa go ntse jalo, o tlhalositse gore borai jwa go kgaoganya boswa o tshela ka one mokwalo ke gore fa o bontsha ene yo o mo kwadileng o kgona go go sutisa mo botshelong fa a bona go diega gore a kgone a akole boswa. Rre Ngaka o tlhaloseditse banyalani gore go na le molao o o letlang gore fa motho kana bobedi bo sena ngwana bo ka tsaya ngwana go sa kgathalesege gore wa letso le fe mme ba mo ikgodisetsa jaaka wa gagwe. Le fa go ntse jalo, Rre Ngaka a re pele ga motho a tsaya ngwana ba ga molaodi ba kanoka seemo sa gagwe gammogo le kwa lapeng gore a mme go tlaa siamela ngwana. A re mo Setswaneng fa o fitlhela bana ba godile go na le thulaganyo ya gore o ka ba ikatumetsa ka thulaganyo ya go nyala bana. O tlhalositse gore fa ba batla thuso ka ditsamaiso tse ba ka ikopanya le ofisi ya ga molaodi, Legal-Aid, mmakaseterata, le ofisi ya kwadiso kwa kgotleng kgolo ya ditsheko, mme motho a tla ka Omang fela ka ga go na tuelo e a e lopiwang. Kwa bokhutlong mokhanselara wa Lorolwane, Mme Binkie Moalosi o lebogetse botsadi jo bo neng jwa tla go fa banyalani thutho le dikgakololo mo kgolaganong ya bone. BOKHUTLO society 9 ‘Tlhoafalelang mananeo’ Batswana ba gakolotswe go inaakanya le mananeo a puso a nyeletso lehuma ka a ka ba thusa go inoga mo lehumeng la nta e tshetlha. Go gakolotse jalo Rre Gaditshwane Kgantele wa Chanoga yo o akotseng lenaneo la go suga matlalo mo potsolotsong le ba BOPA. A re bangwe ba ba kwa dikgaolong tse di kgakala le ditlamelo ba tshaba go tsena mo diofising ba botsa ka mananeo, mme se se dire gore ba babalelwe ke botshelo. “Goromente o thapolotse letsogo, botlhoki o tsalwa le jone mme o ka inamola mo go jone ka go dirisa mananeo a a farologanyeng a ga goromente,” a tlhalosa. O buile mafoko a morago ga go bona fa lenaneo le a le tsereng ka 2016 le fetola botshelo jwa gagwe, e bile le lelwapa a kgona go le tlamela. A re e rile fela go utlwa go kuiwa mokgosi mo kgotleng a latlha ditiro tse a neng a di dira mo lwapeng a tla go itseela ka tsoo-pedi, mme morago a tsenya kopo ya gagwe e e neng ya arajwa mo nakong e khutshwane. Ngogola go ne ga tla matlalo le mabante. Rre yo o tlhalosa fa didirisiwa tsa gagwe di ne di sa tla di le mmogo, mme ka go tlhaloganya fa goromente a tshwere phage ka mangana le go tokafatsa matshelo a batho, a seka a ipona tsapa. A simolola ka tse a neng a na le tsone a dira mabante. A re mabante a, a ne a rekwa jaaka o kare Batswana ba ne ba ntse ba a letetse. Ka se a gakolola ba ba tsereng mananeo gore fa ba filwe se ba se filweng ba seka ba ema fela ba itshopara, ba simolole kgwebo gore ba kgone go tokafatsa matshelo a bone. Rre Kgantele a re fa a ntse a tsweletse ditshipi tsa mabante di ne tsa fela, mme ka a ikiteile sehuba go tsweledisa kgwebo a ya go reka tse dingwe. O supa fa batho ba rata mabante a gagwe ka a sa diege fa a sena go dirwa, a re bangwe ba a mo leletsa ba a batla. Mabante a ga Rre Kgantele a mefuta mebedi; le lesesane le le lekima. A re le lesesane la bophara jwa 30mm le rekiwa P150 fa la bophara jwa 40mm e le P170. A re o tlhophile kgwebo e ya go dira dilwana tsa matlalo ka a ne a itemogela fa dikgwebo tse dingwe di le dintsi. E re ntswa rre yo a lomile wa tlase, kgwebo e, e na le dikgwetlho tsa yone jaaka go tlhoka didirisiwa mo mabentleleng. A re ditshipi tsa mabante ga di bonale motlhofo. Se sengwe ke matlalo a a dirang ditlhako, mme se se dira gore a felele fela mo go rekiseng mabante ka a sa tlhoke letlalo le lentsi. Go tlhalosa ka fa a farologanang le bagwebi ba bangwe ka teng, a re o kopanya kitso e a e tsereng kwa sekoleng sa Nxaraga le ya go penta dikago go dira mabante a boleng jo bo kwa godimo. Go bona fa a ne a sa fiwa metswako e e takang mabante, a tswa ka mogopolo wa go dirisa pente e e gasiwang a gasa ya ntlha a bo a gasa ya befelo go fa lebante mmala wa sennela ruri. Go supa fa Rre Kgantele a sa eletse go digela lenaneo le ka motlhobodika, a re o eletsa go bona kgwebo ya gagwe e le kwa godimo gore e re motho a le kwa mafatsheng a sele a bone lebante le le dirilweng mo Chanoga mo Botswana. A re le kgwebo ya gagwe o batla gore e bo e na le bokgoni jwa go thapa batho, go tlhamela lefatshe ditiro. Kgosi Oatleng Setlhodi wa Chanoga, o ne a kopa khansele ya Bokone Bophirima go rotloetsa Rre Kgantele ka go mo neela ditiro tse di amanang le go direla bana ba ba tlhokomelwang ke khansele mabante. “Ke buisiwa se ke gore kgwebo ya ga Rre Kgantele e tsweletse e bile o tshwere ka natla go tlhabolola botshelo jwa gagwe,” a tlhalosa. Kgosi Setlhodi a re ba ba tsayang mananeo ba tshwanetse go leka ka bojotlhe go dira dipoelo ka go dira maikano a bone a ba neng ba a solofetsa goromente. A re se ke sone se ka tokafatsang itsholelo ya lefatshe leno, ka madi a tlaa bo a sa wele ka motlhobodika. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Sekgoma o leboga ba Mmashoro Kgosi Mokhutswane Sekgoma mo Serowe o lebogile banni ba Mmashoro go bo ba kgonne go kopana ba bua ka dipharologanyo tsa bone. Kgosi Sekgoma o buile jaana fa a lekodisana le banni ba Mmashoro, a digela thulaganyo ya go thiba phatlha ya mothusa kgosi. Se se tla morago ga go tlogela tiro ga ga Kgosi Mompati Wabobedi ka bogodi. E rile morago ga moo, puso ya tlhatlosa mothusi wa gagwe e leng Rre Opele Disang maemo, ka jalo se sa tlogela phatlha ya mothusa kgosi. “Ke amogela maina a mabedi a le a beileng fa pele ga rona, e leng a ga Rre Bontshwanetse Kgosiesele le Rre Robert Modisagape, e bile ke one a ke tlaa a isang fa pele ga ga kgosikgolo,” Kgosi Sekgoma a supa. E ne ya re morago ga dipuisanyo le dipharologanyo tsa banni mo phuthegong eo, Kgosi Sekgoma a supa fa a eleletsa banni ba Mmashoro gore Modimo o nne le bone ba tle ba kgone go aga motse wa bone. “Ke lebogela theetso ya lona le tirisanyo mmogo mo tirong e. O kare Modimo o ka le etelela pele, gore le kgone go aga motse o wa rona,” Kgosi a tlatsa. Fa a ntsha leina mo boemong jwa banni ba Mmashoro, Rre Olegole Bogosi o ne a supa fa borara jwa motse bo ile jwa kopana ka fa bothokong, a supa fa bogosi bo lebagane bongwe jwa bobedi jwa boora Pusoetsile le Kgosiesele. O supile fa ba ile ba dumalana gore Rre Kgosiesele a name e le mothusa kgosi fa ba santse ba rarabolola dipharologanyo tsa bone. “Re lemogile gore dipharologanyo tsa rona di dirwa ke gore re rarabolola dikgang tsa rona fa pele ga setshaba, ka jalo re bone gore go botoka bobedi jo bo kopane go rarabolola kgang e.” O tlhalositse fa ba tlaa boa ba busetsa kgosi phetolo, a gatelela gore ba tlaa kopa gore kwa pele go nne le mowa wa neelano fa go setse go rarabolotswe kgang ya mong wa bogosi. Fa a akgela, Rre Tirelo Mathodi, o ne a ntsha leina la ga Rre Modisagape, a supa fa le bone e le botsadi jwa motse, ba dumalane gore e ka nna ene mothusa kgosi, a tlhalosa fa ditso di supa fa e le ene mong wa setilo. Fa a tswala, Mokhanselara wa Mmashoro, Rre Entetse Boitshwarelo o ne a supa fa go le botlhokwa gore go nne le mothusa kgosi, a tlhalosa fa dithuso le ditirelo tsa puso di saletse kwa morago ka ntlha ya gore go bo go sena mothusa kgosi. O kopile boraro joo go nna ba lekodisana le morafe. A re go supafala fa morafe o sa lekodisidiwe ka dikgang tse di ntsi, mme se ke sone se ka dirang gore ditshwetso dingwe tse di tsewang ke borara di seka tsa atlega, ka di busetsa ditswhanelo tsa morafe kw morago. O tlhalositse fa kgotla e le yone e go buiwang sengwe le sengwe se se amang morafe kwa go yone, bogolo jang dikgang tsa ditlhabololo, ka jalo a kopa gore kgang e, e ye meriting ka ditiro bontsi di eme. society 9 Monana wa Tlhareselele o tshela ka petwana Rre Pule Letshikhoana yo o tlholegang kwa motseng wa Tlhareseleele mo kgaolong ya Borwa kwa Borolong o itiretse mmereko ka go gweba ka go betla. O tlhalositse mo potsolosong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng fa a sa ipona tsapa go itirela ka diatla morago fa a sena go bona letlhoko la ditiro le le lentsi mme o simolotse go ipereka go tswa ka ngwaga wa 2009. A re kgwebo ya gagwe ke ya go betla legong go dira ditilo tsa dikgole, ditafole, dikosini tsa ditswalo le tsa matlhaba phefo tsa legong, diphetlho, megori, go loga ditlhaka, le go baakanya tsotlhe tse di dirilweng ka legong ko malwapeng. Rre Letshikhoana a re o ithutile go betla a tsaya malebela mo bathong ba ba neng ba betla legong, mme pheleletsong a felela a itirela ka diatla. A re mo kgwebong ya gagwe e a e direlang kwa toropong ya Lobatse e tsweletse sentle, a re mo dinakong tsa gompieno go iperekela o dira ka diatla go na le mosola e bile go ka go isa golo gongwe. O boletse gore fa a sale a simolola kgwebo go nnile le dikgwetlho tse di sa ntsheng mokola mo a feletseng a reka didirisiwa tse a di dirisang go betla, mme seemo sa tokafala. A re bontsi jwa batho ba ba rekang mo go ene ke ba toropo ya Lobatse le metse e e mabapi. O buile fa a kgona go dira madi a a ka kgonang go ithusa le go tshetsa ba lelapa la gagwe. Rre Letshikhoana o boletse fa maikaelelo a gagwe e le go bona kgwebo ya gagwe e godile e bile a thapile bangwe gore le bone a ba namole mo lehumeng. “Ke tswa kgakala le kgwebo ya me e sa dire sentle le e dira sentle, mme borotho jone ke a bo bona” A tswelela a re o tla ikopanya le ba ofisi ya nyeletso lehuma gore ba mo thuse ka didirisiwa tse di ka tlhonolofatsang tiro ya gangwe ya go betla. O tlhalositse fa ba ba dirang dikgwebo tse dipotlana ba seka ba itlhoboga fa dikgwebo tsa bone di sa dire sentle, a fa sekai ka ene jaaka a nnile le dikgwetlho tse di farologaneng mme a nna a itsetsepela. O kaile fa dingwe tsa dikgwebo tsa banana tse di phutlhamang e le ka go tlhoka go kwala madi a a tswang le a a tseng mo kgwebong go bona gore e dira jang, mme a re seo se dira gore pheleletsong ba palelwe ke go itse gore kgwebo e isiwa tlase ke eng. A re mo bogompienong o nna ko Molapowabojang mme mo tswelelong ya botshelo o batla go ipona a nna le lelwapa la gagwe le a le agileng ka madi a kgwebo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Tsayang diteseletso tsa dibapalwa nageng Moemedi wa lephata la dikgwa, Rre Lesego Habangana, o rotloeditse gore Batswana ba ba gwebang ka dibapalwa nageng di tshwana le dikgong, maungo le bojang, go tsaya diteseletso ka go na le molato o ba ka o lebisiwang segolo jang fa ba ka tswelela ka go gweba ba se na diteseletso. E rile a bua kwa phuthegong ya khansele potlana ya Kweneng kwa Molepolole mo bosheng, Rre Habangana a re ba rotloetsa thata mananeo a a tlaa inolang batho mo lehumeng la nta ya tlhogo. O ne a tlhalosa gore ba lemogile gore Batswana ba ka ithusa ka dibapalwa nageng go itshetsa, mme go na le melawana e ba tshwanetseng go e sala morago, go tila go otlhaiwa. O tsweletse ka go supa gore pele ga ba neela motho teseletso ba ya go bona lefelo le a le beileng leitlho mme ba mo fe teseletso fela fa e le gore kwa a go kaileng go setse go ka bapalega. O ne a gwetlha Batswana gore ba ititee ka thupana ba tsee diteseletso go gweba ba phuthologile. Rre Habangana o bile a tsibosa Batswana gore ba tshwanetse ba ela tlhoko ditlamorago tsa go bapala pheteletsa ka go felela go kgotha lefatshe, a tlatsa ka gore, batho ba ba itshetsang ka dibapalwa nageng ba tshwanetse go inaakanya le ba lephata la dikgwa go itse thata ka melao le tsamaiso ya go gweba ka dibapalwanageng le go laola seemo se. O ne a tswelela a kopa Batswana gore ba tsibogele melelo ya naga, ka a tlhalosa gore ka go dira jalo, ba tlaa bo ba tlamela ditsabone e leng tsone dibapalwanageng. O ne a tlatsa ka gore fa ofisi ya gagwe e se yong teng, go tshwanetse go itsisiwe mapodisi le ba bogosi pele. economy_business_and_finance 3 Ba Nlapkhwane le Masukwane ba galaletsa molemisi Balemi ba metse ya Nlapkhwane le Masukwane kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba galaleditse molemisi wa bone wa pele, Mme Kebaemetse Motemane go bo a ne a ba thusa ka botswapelo. Fa ba bua kwa letsatsing la go ipelela thobo, le le neng le tshwaretswe kwa motseng wa Nlapkhwane ka bosheng, bontsi jwa balemi ba metse eo, ba tlhalositse fa ba tsweletse ka go bona thobo e e nametsang ka ntlha ya dikgakololo tsa ga Mme Motemane. Kgosi Mukani Mudongo o buile a sa kgale mathe ka tiro e ntle e e dirilweng ke Mme Motemane, a tlhalosa fa molemisi yoo e le ene a lekileng bojotlhe go tsenya banni ba metse eo lorato lwa temo. A re ka jaana Mme Motemane a sa tswa go fudusiwa kwa Kanye, o kopa go thusiwa ka molemisi yo o ka kabang phatlha ya gagwe ka bofefo gore ba kgone go tsweledisa tema e a e segileng. Balemi ba tlhalositse fa Mme Motemane a ne a sa ipone tsapa, a nna a ba fa dikgakololo tse di amanang le tsa temo le gone go ba rotloetsa go inaakanya le go lema ka ditselana. Bontsi bo tlhalositse fa monongwaga ba inaakantse le go lema ka ditselana mme ba supa fa ba itemogetse fa go dira jalo go ntsha maduo a a nametsang fa go tshwantshanngwa le go gasa. Molemi mongwe wa Masukwane, Mme Lechedzani Tazwidza yo o setseng a phothile thobo ya gagwe, o tlhalositse fa a itemogetse pharologanyo ya go lema ka ditselana ka jaana a na le dingwaga a gasa mme a sa tswe ka maduo a a kalokalo. A re mono ngwaga o lemile diekere tse tharo ka ditselana mme o dule ka dikgetsi di le masome a supa le motso Mongwe wa balemi ba Nlapkhwane, Rre Shadrack Matebu o rotloeditse batho go tsaya temo ka tlhoafalo ka e le tiro ya sennela ruri. A re ba tshwanetse ya re ba sena go lema ba tlogela go bereka Ipelegeng ka nakwana go itebaganya le go tlhokomela temo. Mme Begani Chiabe wa Masukwane a re o kile a bo a le mohumanegi mme a inaakanya le temo jalo o na le tsholofelo ya gore ga a kake a wela mo isong temo e le teng ka a e dirisitse go ikapola lehuma. Fa a tswa la gagwe, Mme Motemane o boletse fa ele lekgetho la bobedi balemi ba metse eo ba ipelela letsatsi leo mme seo se mmaya pelo ka a lemoga fa peo e a e jadileng mo baleming e sa wela mo mmung o o lekgwarapana, mme a ba gwetlha go tswelela ka mowa wa go tlhoafalela temo. BOKHUTLO society 9 Kgolegelo ga se lefelo le le monate Batsadi ba kopilwe go ruta bana ba sale babotlana ka ditlamorago tsa borukutlhi gonne kgolegelo ga se bonno ke boetelo. Assistant Superintendant Phillip Mokoto go tswa kwa kgolegelong ya Serowe o tlhagisitse fa botshelo jwa kgolegelo bo sa tshwane le jwa motho a le kwa lapeng ka wa kgolegelo a bona masika ka sewelo, selo se ope a sa se eletseng. Rre Mokoto o ne a bua kwa phuthegong ya kgotla ka Labobedi kwa Mogorosi, e e neng e buisiwa ke ba sepodisi le ba dikgolegelo go tswa kwa Serowe mabapi le dikgang tsa borukutlhi le kgokgontsho. Assistant Superintendent Mokoto o kopile setshaba, bogolo jang banana go emisa borukutlhi ka ditlamorago tsa jone e se tse di eletsegang. O kopile banni go iphapha mo go rotloetseng borukutlhi, a bolela fa bangwe ba na le mokgwa wa go fa magolegwa dingwe tse di sa letlelelelweng kwa kgolegelong jaaka motsoko le megala ya letheka. A re ga go sa tlhole go letlelelwa go gogwa ga motsoko kwa kgolegelong ka go lemogilwe fa o kgona go ama magolegwa a a sa gogeng. O supile fa kgolegelo e tshwanetse e nne teng gore batho ba kgalemelwe gore ba dire tshiamo. A re setshaba se seka sa tsaya gore kgolegelo ke lefelo le go bewang ditlhobogwa. Asst Supt Mokoto a re fa motho a tswa kgolegelong, o tla a agegile e bile a filwe dithuto tse di farologaneng tsa go dira ka diatla go itshetsa, a re go botlhokwa gore setshaba se amogele yo o tswang kgolegelong. Mogolwane go tswa kwa kgolegelong ya Serowe, Rre Seineeng Ntshebe go tswa kwa kgolegelong ya Serowe a re borukutlhi bo dirwa thata ke banana le borre. A re dipatlisiso di supa fa borukutlhi bo dirwa ke ba ba nnang mo lefelong le bo diragalang mo go lone. O kopile banni go tshwaragana le mapodisi go lwantsha borukutlhi jo bo ileng magoletsa mo le dikgolegelo di tletseng. Rre Ntshebe a re borukutlhi ga bo busetse e bile ga bo na tswelelo epe mo botshelong. A re go ngomola pelo ka borukutlhi bo dirwa ke bone bana ba go beilweng mo go bone mme ba felele ba tshwarwa. O rotloeditse banana go tsaya mananeo go itshetsa le go tlhabolola motse wa bone go na le go senya nako ka tse di ka se keng di ba tswele mosola. crime_law_and_justice 1 Morutababana o tlhokoletsa baithuti ditlhatlhobo Thuto ke yone konokono mo go ageng le go godisa babusi le baeteledipele ba kamoso. Fa a bua kwa letsatsing la go rutuntsha le go baakanyetsa baithuti ba mophato wa boraro mabapi le ditlhatlhobo tsa makgaola kgang le go ya go dira mophato wa bone, morutabana, Mme Tebogo Ramodikwana wa sekolo se segolwane sa Bakgatle o boletse fa thuto e le botlhokwa e bile e le tshwanelo ya mongwe le mongwe. Mme Ramodikwana o boletse fa maikaelelo a letsatsi leo, e ne ele go ba tlhatlhelela ka mananeo a puso e thusang banana ka one fa ba ka se kgone go fetela kwa pele le dithuto tsa bone, ga mmogo le go tlhatlhelela baithuti ka dithuto tsa dikole tsa ithutelo tiro ga mmogo le tsamaiso ya ga goromente ya go duelela baithuti go dira dithuto tse ba di ikgethetseng. Mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto mo kgaolong ya Kgatleng, Mme Alice Moutswi, o boleletse baithuti fa go le botlhokwa go itse bokgoni jwa bone le go ikitse gore ke bomang, ka seo se ka thusa gore e nne baeteledipele ba popota. Mme Moutswi o tlhalositse fa boitsholo, le ka fa motho a dirang dilo ka teng go ka supa gore o ya go nna moeteledipele yo ntseng jang, mme a gwetlha baithuti go itshwara sentle. O boletse fa moeteledipele wa tlhwatlhwa a itirisa, a dira dilo a sa kgaramediwe, e bile a dira ditiro tsa botlhokwa pele ga dilo tsotlhe mme godimo ga tsotlhe a nna a ithulagantse ka nako tsotlhe. O rotloeditse baithuti go ikgapha mo ditirong tse di ka ba senyetsang bokamoso, a tlatsa ka gore bontsi jwa bana ba dikole ba inaakantse le ditiro tse di duleng mo tseleng mme seo se phirimise bokamoso jwa bone jo bo nitameng. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa sepodise mo Mochudi, Sub Inspector Distance Thwane, a re fa baithuti ba tsena kwa sekoleng se segolwane go dira mophato wa bone ba simolola mekgwa e e sa siamang jaaka go dirisa nnotagi le motokwane. Sub Inspector Thwane a re baithuti ba simolola go nna le setho se se sa eletsegeng jaaka go tlhapatsa barutabana, ba tlhoka tsebe ka jalo ba iphitlhele ba le mo diatleng tsa ba sepodise. O boletse fa kwa sepodiseng go tsewa baithuti ba ba dirileng sentle mo mophatong wa botlhano, ba na le dintlha di le masome a mararo go ya kwa godimo e bile ba dirile sentle mo dithutong tsa sekgoa. O tlhalositse fa go ithuta go le botlhokwa e bile motho o ka direla sepodise mo makalaneng a a farologaneng a tshwana le go kgweetsa difofane, go nna mooki le tse dingwe fela jalo, tse tsotlhe di tlhokang gore motho a bo a dirile sentle mo dithutong tsa maranyane. E ntse e le kwa letsatsing leo, mogolwane go tswa kwa lekalaneng le le ikemetseng la Local Enterprise Authority, Rre Fana Kelebogile, o tlhaloseditse baithuti fa lekalana la bone le thusa ka go ba fa dikgakololo tsa go tsamaisa kgwebo. O gakolotse baithuti go tshwaragana le barutabana, go ithuta ka tlhoafalo ga mmogo le go kopa mo Modimong go ba okeletsa botlhale le go ba sireletsa gore ba kgone go fenya ditlhatlhobo tsa bone, ba ntshe maduo a a siameng. BOKHUTLO education 4 Makgato o lela ka tiego ya ditlhabololo Mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami, Mme Dorcas Makgato, a re o tshwenngwa ke go salela morago ga ditiro dingwe tsa ditlhabololo kwa kgaolong ya gagwe. A re ditiro tsa metsi, ditsela, lefatshe le thuto ke dingwe tse di sa mo jeseng diwelang ka dile bonya go dirafadiwa. Fa a buisa diphuthego kwa Mokobeng, Ngwapa, Sefhare, Chadibe, Borotsi le Mathako, Mme Makgato o boletse fa seemo sa lenyora le ditsela e se sone. O tlhalositse fa puso e tsere tshwetso ya go thusa ka go gokela metse e senang metsi mo pompong ya Lerala. A re tsela ya Dibete/Machaneng e tsweletse sentle, ebile bontlha bongwe jwa yone bo setse bo dirisiwa gotswa kwa ntlheng tsa Mookane. Mme Makgato o ne a abelana le morafe ka tse di buisantsweng kwa palamenteng. O supile fa go ne ga nna le ditshutiso di le tharo tse dineng tsa fetisiwa, jaaka ya kopo kgokelo ya metsi a Gaborone bokone, go akarediwa ga kgwebo ya letswai mo lenaneong la ditlhabololo le le faphegileng la (SEZA) le go kopa madi a mo oketsa gotsweledisa ditirelo tsa metsi le go lebelela di tlhwatlhwa phokoletso tsa dijo tsa leruo le tse dngwe. A re megopolo eo, ene ya amogelwa, kwa ntle fela ga wa go gokela metsi a didiba tsa masama go nosa borwa. Morafe o ne wa itumelela paakanyo melao, ba supa fa bontsi ja melao e sa bolo go ba baya kwa mosing jaaka wa go sa letleleleng banyalani go nna le setsha mongwe le mongwe wa bone, tiroso ya masimo e e eneng e lebaganye fela le temo lentswa dipula dile boutsana, ga mmogo le yone ya kwadiso dikompone e jaanong e tlaa dirwang ka marenyane. Ba re seo ke kgatelo pele ka gotla fokoletsa batho go ya kwa diofising goya go kopa kwadiso ya kompone. Ba ne ba lebogela tekodiso ya mopalamente wa bone bare ke senatla, o dirile gole gontsi gotlhabolola kgaolo e bile gape a tletse mowa wa boitlhapo. politics 7 Moruti wa St.John Faith Mission o bolokilwe Makgolokgolo a bahutsafadi ba ne ba tsene phitlho ya mookamedi wa kereke ya St.John Apostolic Faith Mission, Dr Kadi Simon Seisa kwa Tutume ka Matlhatso. Moruti Seisa o tlhokafetse kgwedi e e fetileng e le masome mabedi le boraro morago ga go lwala ka lobakanyana a le dingwaga di masome a ferabongwe le bosupa. Dibui ka go farologana di supile fa Moruti Seisa e ne ea le motho yo o boikobo, a le senatla, a rata batho ebile a boifo Modimo. Gatwe o ne gape a le setswerere sa moopelo mo a thamileng dipina di le mmalwa ka dipuo ka go farologana. Rre Seisa a re moswi o ba godiseditse fa tlase ga tumelo, ka jalo a leboga maloko a kereke ya St.John tlotla e ba neng ba e fa rraagwe fa a sale mo botshelong go fitlha ka letsatsi la gagwe la bofelo. O ne a kopa maloko a kereke eo go sala ba goga ka mowa o le mongwe go godisa le go tsweledisa motlhala o ba o segetsweng ke mookami, Dr Seisa. Malomeagwe moswi, Rre Rodgers Sedimo a re moruti Seisa o tswa kgakala a goga kereke eo ya St.John, ka ene le maloko a mangwe ba ne ba bula kereke eo kwa Matsitama ka 1962, fa kwa Tutume e ne ya bulwa ka 1973. Rre Sedimo a re loso la Dr Seisa ga se tatlhegelo ya ba lelwapa fela. Moruti Seisa o tsholetswe kwa Nekati ka ngwaga wa 1921 e le ngwana wa borobabobedi wa ga Rre Simon Tobane Seisa wa Kolojane kwa kgaolong ya Leribe kwa Lesotho le Mme Mosepele Seisa wa kgotla ya Phaleng kwa Shoshong. O simolotse dithuto tsa gagwe tse di potlana kwa Mabigwi ka Sub A go ema ka lokwalo la bone ka ngwaga wa 1930. O ne a tsweledisa dithuto tsa gagwe kwa Lady Khama Memorial School kwa Serowe kwa a dirileng lokwalo labotlhano go ema ka laborataro. O ne a ya go ithutela borutabana kwa Adams Teachers Training College kwa Durban Natal ka 1945-1948, go tsweng foo a ya go ruta kwa Dombo Dema kwa Zimbabwe. O ne a boela Botswana go ruta kwa Matsilojwe le Mathangwane morago a tlogela tiro ya borutabana go bereka mo moepong wa kopore kwa Matsitama. Tiro ya gagwe ya bodiredi jwa kereke o e simolotse kwa Matsiloje kwa a neng a le morutabana go tswa ka ngwaga wa 1955 a tsena kereke ya Spiritual healing. Bishop Dr Seisa o ne a tsweledisa tiro ya gagwe ya bodiredi jwa Modimo ka go dira makalana a dikereke kwa mafelong a a farologanyeng a Botswana mme a le mo fa tlase ga boeteledipele jwa ga Mme Christinah Nku. Ka ngwaga wa 1970 o ne a boela kwa tirong ya gagwe ya borutabana mme o ne a tsholediwa maemo ka ngwaga wa 1974, go nna mothusa mogokgo. Morago ga go tlogela tiro ka bogodi o ne a tsena sekole sa boruti ka tlhaeletsanyo kwa Kgolagano Theological College. E ne ya re ka ngwaga wa 1985, moruti Seisa a bewa bishop kwa Afrika borwa mme a tlhomamisiwa ka 1991 mo Botswana, mme a fiwa seetsele sa Doctorate ka 2017. Moswi o tlogela bana ba supa, borre ba batlhano le bomme ba ba bedi, bana ba bana ba le lesome le boferabobedi le dikokomane di le lesome le bobedi.. BOKHUTLO society 9 Ba Mmashoro ba a ikuela Banni ba Mmashoro kwa kgaolong ya Serowe Bokone Bophirima ba re ga ba na ditiro le mororo go na le dikhamphani tse dintsi tse di direlang mo motseng wa bone. Ba ntshitse ngongorego e mo phuthegong ya kgotla, e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo ya bone, Rre Tshekedi Khama bosheng. Ba supa fa ba ngongoregela gore banana ba motse wa bone ba felela ba batla ditiro mo lenaneong la Ipelegeng ka gore ga go na kwa ba ka yang teng. Rre Khama, yo gape e leng tona wa lephata la tkologo, diphologolo le bojanala o ne a tlhalosa fa a tlaa bona gore seemo se se rarabolwa jang. O ne a tlhalosetsa banni gore o ne a utlwa ka tshenyo e pula e e dirileng mo motseng wa bone, mme a tlatsa ka gore botlhe ba ba amegileng ba tsile go bona dithuso. A re puso e ikaelela go thusa botlhe ba ba amilweng ke dipula mono ngwaga.O ne a abela bagodi dikobo di le lekgolo le masome a mabedi. Mo go tse dingwe, Rre Khama o ne a gakolola batsadi go tlhokomela bana ba bone le lefatshe la bone. A re bana ba tshwanetse go gakololwa sentle gore ba tle ba nne baeteledipele ba tlhwatlhwa. O ne a tlatsa ka gore fa ditlhabololo di tla mo motseng, di somarelwe gore bana ba tle ba di fitlhele di le mo seemong se se botoka. society 9 Batshwara ditlhapi ba kopa go okelediwa nako Batshwara ditlhapi ba lekgotla la Leechoara kwa Mohembo West ba kopa puso go ba okeletsa nako ya go tshwara ditlhapi. Ba boletse mo potsolosong bosheng gore dinako tse di dirisiwang ga di ba tswele mosola ebile di dikhutshwane, ka jalo ba kopa gore di okediwe go simolola ka nako ya botlhano maitseboa go ya kwa go ya lesome le bobedi bosigo. Ba re ka tsamaiso ya gompieno, nako ya go tshwara ditlhapi e simolola ka nako ya botlhano go ya kwa go ya boferabobedi. Rre Tlholego Karundu a re ba obamela molao o o beilweng wa go tshwara ditlhapi ka ba dirisa matloa a a letlelesegang go tshwara ditlhapi, ba phepafatsa mafelo a ba tshwarelang mo go one le go somarela dinako tse di beilweng. Rre Karundu a re molao o a ba gatelela segolo jang ka paka e go tswalelwang letsomo ka kgwedi ya Sedimonthole go ya kwa go Mopitlo. Batshwara ditlhapi bao ba re ga ba bone dipoelo tse di botoka mo thekisong ya ditlhapi ka jalo ba kopa gore go seka ga fetolwa teseletso ya go tshwara ditlhapi. Ba re dingwaga tse tlhano di siame go na le e le nngwe. Ba re e le batshwara ditlhapi ba rutilwe ke ba lephata la ditlhapi, bojanala le makgabisa naga gore ba ka somarela makgobokgobo le tikologo ya bone jang, ba kopile gore batho ba ba tshwarelang ditlhapi go ja le bone ba fiwe teseletso ya go tshwara. Ba ikuetse mo pusong go fokotsa dikwena le dikubu mo nokeng ya Okavango. Mokwaledi wa Leechora, Rre Maphane Motsokwe ene o boletse fa ba na le ditlhapi mo madirelong a bone mme ba itemogela kgwetlho ya mmaraka ka ga gona kwa ba rekisang teng. Bokhutlo politics 7 Morafe wa Makwate o lela ka metsi a a letswai Banni ba Makwate kwa kgaolong ya Mahalapye Botlhaba ba ngongoregile ka metsi a a letswai. Ba tlhalositse fa metsi a motse wa bone a le thata e bile a leswafatsa meno, mme ba botsa lebaka la go bo koporase ya metsi e sa tlhatswe metsi ka go lebega a sa siamela botsogo. Banni ba ntshitse matshwenyego a kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa lephata la merero ya kabo ya lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopho leswe, Rre Itumeleng Moipisi kwa motseng oo bosheng. Kgosi Motswaudi Motswaudi wa Makwate a re seemo sa metsi se a tshwenya ka e bile ba kgona go nna malatsi ba sena metsi. A re seemo sa letlhoko la metsi se a ba ngongorisa ka e bile fa motse wa bone o leng teng, go na le metsi a mantsi ka fa tlase. Kgosi Motswaudi a re gantsi fa ba ikuela ka letlhoko la metsi, ba arajwa ka gore ga go na didirisiwa. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo, Rre Security Mokhubami a re go kgaotswe dipompo tsa setshaba tse di ntseng di ba nosa. Rre Mokhubami a re se se baka gore banni bangwe ba tsamae dikhilomithara di ka nna pedi go ya go ga metsi. Ka jalo, o ne a kopa gore dipompo di gokelelwe gaufi le metse ya batho ba ba sa kgoneng go gokela dipompo mo malwapeng. O ne a tlhalosa gape gore e rile fa go sena go tswalwa dipompo go simololwa tsa dikarata, ga kgaolwa tshotlhe mme ga tlogelwa motobetso o le mongwefela mo motseng mme o sa lekane banni. Mo go tse dingwe, o tlhalositse fa e rile ngwaga o simolala ba ikopela go dira ditiro dingwe ka lenaneno la Ipelegeng mme ba seka ba di fiwa ba neelwa fela tsa go kgaola ditlhare. A re seemo se ga se a ba itumedisa ka jaana le palo e e thapiwang e le kwa tlase mme motse o na le banni ba le bantsi. O ne a ngongorega gape ka tsela ya Dibete/Machaneng a re go sa le go twe e tshelwa sekontere, nako kgolo e le eno. Rre Moipisi o ne a tlhalosa fa lephata la gagwe le itebagantse le go abela Batswana lefatshe, metsi gammogo le ditirelo tsa kgopho ya metsi a a leswe. A re maitlamo a bone ke go bona gore Motswana mongwe le mongwe o fiwa metsi a a phepa ka dinako tshotlhe. O supile fa puso e ne ya adima P1.5 billion go bona gore Batswana ba bona metsi. A re puso gape e ne ya bona go le mosola go phimola P20 yo o neng a lopiwa mongwe le mongwe yo o goketseng pompo mo lapeng mme a lopiwe madi a tiroso ya metsi fela. Rre Moipisi a re puso e tsere tshwetso ya go busetsa metsi a a dirisitsweng mo tirisong, a tlatsa ka g ore metsi a, a kgona go dirisiwa go nosetsa dijalo le go nowa fa a tlhatsitswe sentle. Fa a bua ka lefatshe, Rre Moipisi o ne a tlhalosetsa banni gore lephata la kabo ditsha le sa le le emisitse go aba ditsha tsa bonno mo Makwate ngwagatlola mme a ba solofetsa gore e tlaa re ngwaga ono o ya fifing ba simolole go abela baikopedi ditsha. A re se, se bakilwe ke letlhoko la lefatshe mo lefatsheng ka bophara. A re mo motseng wa bone, ba bone dikidinyana tsa lefatshe tse ba ka kgonang go di abela ba ba kopileng. O ne a gakolola banni go ya go kwadisa ditsha tsa bone gore di rurifadiwe mekono go hema dikgang tsa go lwela malwapa gammogo le go fokotsa bomaipaafela. Rre Moipisi o ne a lekodisa banni gape gore lekgotla la kabo ditsha le tshwenngwa ke dikoloto tse gantsi di dirwang ke beng ba ditsha tsa dikgwebo, a re ga ba duelele ditsha tsa bone. BOKHUTLO health 6 BOCAIP e kgothatsa Badumedi Lekgotla la BOCAIP le kopile baruti le Bakeresete go rapela go lwantsha mogare le bolwetse jwa AIDS. Se se builwe kwa bokopanong jwa maloko le dikereke tse di farologanyeng kwa Serowe bosheng. Ba boletse fa ba tshwenyegile thata ke go gola ga dipalo tsa batho ba ba amilweng le ba ba tswelelang ba amiwa ke mogare wa HIV. Modulasetilo wa BOCAIP kwa Serowe, Mme Tumalano Monamodi a re ka thapelo, mmaba HIV o ka fenngwa. Mme Monamodi a re puso e leka ka tsotlhe go lwantsha segajaja mme dipalo ga di fokotsege. O kopile gore Bakeresete ba ikokobetse ba obamele Modimo ka thata ba sa boele morago. A re dithapelo tse di tseneletseng ke tsone fela ba ka kgonang bolwetse jo bo apesitseng lefatshe kobo ka letshoba. O kopile baruti go sokolola morafe go ikgapha mo tlhakanelong dikobo e e sa sireletsegang. BOCAIP a re e bopilwe ka maloko a dikereke ka go farologana morago ga go bona setshaba se nyelela. A re dithuso tsa mahala di dintsi kwa lekgotleng la bone mme ba tlhatlhoba mogare mahala, ba sidila maikutlo a banyalani le go tlhokomela dikhutsana ga mmogo le go sokolola banana ba ba inaakantseng le ditagi. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Tshwaragano ya barutabana le batsadi e rotloetsa bana go itsetela adimo Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso o lekodisitse banni ba Mookane ka melao e e dumalanweng kwa palamenteng jaaka tsamaiso ya kabo ya lefatshe. A re mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go nna le lefatshe go sa balelwe la boswa kgotsa la theko. A re se ga se kganele tshwanelo ya mme yo o nyetsweng go fiwa setsha ka fa molaong ka lebaka la go bo rre yo a mo nyetseng a setse a kile a fiwa setsha ke ba kabo ditsha. Kgang e a re e tswa kgakala e jesetsa bomme ba ba nyetsweng mo kgobedung e bile e dira gore ba tseelwe kwa tlase. A re tshwetso ya puso ya go letla bomme ba ba nyetsweng go akola tshwanelo ya bone ya go nna le lefatshe le e leng la bone e tlaa ba thusa gore ba kgone go itshetsa le gore fa tseo e ka tlhoka go tsamaya sentle, ba kgone go boelwa ke lefatshe le le bitsang maina a bone. O tlhagisitse Batswana go sireletsa le go babalela lefatshe le ba le abetsweng. A re palamente e fetisitse molao o o letlang gore fa motho a na le masimo mme a na le keletso ya go ka direla sepe fela se se ka mo letlang go itshetsa letlelelwe go dira jalo. O mongwe molao ke wa go itsese phatlalatsa dithoto tse matona a puso a nang natso o a reng o gwetlhilwe ke tshenyetso setshaba e e ileng magoletsa. Mme Tshireletso o kaile fa molao o, o tlaa letla gore bodiredi bo supe dithoto tse ba nang natso le go tlhalosa gore ba di kgobokantse jang. A re molao o o ya go ama botlhe mapalamente, matona le ba ba tswang o kaile fa ba tlaa bewa leitlho mo dingwageng tse tlhano. A re matlhabelo a BMC a tlaa fetisediwa kwa pusong mme e re mo lebakeng le le seng kalo puso e tlaa a fetisetsa kwa Batswaneng go nna kompone e e ikemetseng, selo se a reng se tlaa thusa puso ka e tlaa emisa go tshela madi a mantsi mo go one ka jaanong e tlaa bo e le boikarabelo jwa ba ba rekileng diabe. Monni wa Mookane, Rre Keineetse Mmopi o akgoletse mothusa tona boswa jo a bo ba tlogeletseng jwa tsela ya Dibete-Mookane-Machaneng, a bo a opela legofi molao wa go itsese dithoto a re ka fa tshenyetso setshaba e keketseng ka teng, gongwe molao o tlaa thusa. Rre Mmopi o tlhalositse fa a ratile palamente e e e sa tswang go wela go gaisa ka e ne e itebagantse le go araba matshwenyego a Batswana. Rre Maungo Pelopedi ene o ne a lebogela molao wa kabo ditsha o o fang bomme ba ba nyetsweng tshwanelo ya go fiwa lefatshe a re borre ba ba nyetseng ba tswa kgakala ba lemoga fa se se ba beile gammogo le bapati ba bone ka fa mosing. E ne ya re mo phuthegong eo Mookane show committee ya abela sekole se segolwanene sa Mookane ditilo tse di lopileng P9 100 le mesangwana ya basetsana ya P1 500. education 4 Banni ba Tsau ba tshwenyega ka ditlhwatlhwa tsa metsi Banni ba motse wa Tsau mo kgaolong ya Ngami ba tlhalositse fa ba tshwenyegile ka ditlhwatlhwa tsa metsi tse di kwa godimo le go senyega kgapekgapetsa ga dipompo tsa metsi tsa morafe. Banni bao ba buile seo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa kgaolo, Rre Thato Kwerepe yo gape eleng Mothusa Tona wa Thuto go tswa moding bosheng. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Keeng Kealeboga a re ditlhwatlhwa tsa metsi di kwa godimo e bile a supa fa dipompo tsa morafe di tshabelelwa ke go senyega mme go tsaya lebaka gore di baakanngwe. Mme Kealeboga o buile seo fa a bega dikatlego le matshwenyego a kgaolo ya bone, mme a ikuela mo Mopalamenteng wa kgaolo. Mogolwane go tswa komponeng ya metsi ya Water Utilities mo Sehithwa, Rre Lebani Lebani o ne a tlhalosa fa kompone eo e itse ka matshwenyego a morafe wa Tsau, ebile ba kile ba solofetsa go baakanya seemo seo. Lefa go ntse jalo, Rre Lebani o ne a re ka letlhoko la madi seemo ga se a baakanngwa ka ba ne ba emetse tshimologo ya ngwaga wa madi ka Moranang. Ka jalo o ne a re ba setse ba kopile bo radikgwebo go ba fa ditlhwatlhwa tsa tse di batlegang. Rre Lebani o supile fa Komponi ya WUC e filwe madi go ka reka maranyane a masha a Smart Metres go tokafatsa go bala ditlhwatlhwa tsa metsi gore eseka ya ja bareki ntsoma. O ne a re ba itse matshwenyego a badirisi ba metsi a gompieno a ditlhwatlhwa tse di kwa godimo, mme a gakolola gore fa bana le dingongorego ba nne ba ikatametsa fa diofising tse di gaufi gore WUC e dire ditlhotlhomoiso tsa gore a ba tsieditswe kapo go na le lebaka jaaka go dutla ga metsi. Fa a ba kgwa dikgaba, Rre Kwerepe o ne a re o utlwa selelo sa bone mme a re komponi ya metsi le yone e na le dikgwetlho tse di tshwanang le didirisiwa tse dikgologolo. Rre Kwerepe o ne gape a gakolola banni gore ba se dirisi metsi a nowang a morafe go siela leruo, a re go botlhokwa gore ba ikopanye ka ditlhopha ba tseye mananeo a puso a go epa didiba. society 9 Ba lebogela thuto ga e golelwe Mme Rotlhe Gakebatshole go tswa mo motsaneng wa Mawana, go bapa le Maun o lebogela goromente ka lenaneo la thuto gaegolelwe, ka le thusa bao ba saletseng kwa morago mo dithutong. Mme yo, ka le ene e le mongwe wa bao ba sa tsenang sekole bogologolo a re o ne a kgona go boela sekoleng ka ngwaga wa 1993 mo sekoleng se sebotlana sa Boseja gone mo Maun morago ga go bona a tlolwa ke ditiro ka a ne a sa itse go bala le fa e le gone go kwala tota. “Ke ne ke batla go ipalela ka ke ne ke tshela ka go bitsa bongwanake gore ba mpadise. Morago ka bona se e se botshelo ka boela sekoleng. Gompieno ke moroki, fa ke ne ke sa tsena sekole se sa gaegolelwe ke ka bo ke sa kgone le gone go sega ka moroki a tshwanetse go itse selekanyo se a se segang le gone go bala mochine o a rokang ka one gore o bereka jang,” Mme Gakebatshole a tlhalosa. Mme yo a re ka e le molemi-morui o setse a kgona go ikentela dipotsane tsa gagwe, selo se a ne a ka seke a se dire pele. O tlhalosa fa go sa itse go bala go le botlhoko e bile go le diphatsa ka gore o kile a batla go jewa ke dintsa kwa Selebi Phikwe ka a ne a tsena fela mo jarateng mme go ne go kwadilwe mo kgorong gore tshaba ntsa. A re e rile a simolola sekole se sa bagolo go ne go le thata mo a ne a palelwa le ke go tshwara pena gore a kwale. A re o ne a seka a ipona tsapa mme a loma wa tlase a ithutuntsha le a le kwa lwapeng tota. O tlhalosa fa morutabagolo wa gagwe a ne a le pelotelele, se sa seka sa mo kgoba marapo a felela a itse go kwala. E re ntswa bangwe ba tlhabiwa ke ditlhong ba tshaba go tshegiwa ke batho Mme Gakebatshole a re e ne e se mongwe wa bone. A re bana ba gagwe ba ne ba mo rotloetsa gore a tsene sekole ka go mo badisa le go mo kgothatsa go dira tiro ya mo lwapeng. Tota mme yo o supa fa ka ngwaga wa 1973 a ne a tsena sekole kwa Shorobe mme ka ntlha ya bolwetse a seka a tswelela le sone a felela fela fa lokwalong lwa bobedi. Morago ga go fola batsadi ba seka ba mo busetsa kwa sekoleng ba mo dirisa mo go tsa lelwapa le kwa masimo. A re bana ba gagwe botlhe o ba tsentse sekole ka a dumela fa sekole e le sone bokamoso. “Ke ne ke sa eletse go ba dira se batsadi ba me ba se ntirileng ka go sa nkisa sekoleng. Ke solofela fa gongwe ke kabo ke le kgakala, mme ka go sa itse go bala le go kwala ka fosiwa ke ditiro tse dintsi ka ba ne ba kgona go nthaya ba re ga ke re le wena o a bona gore ga o itse go kwala,” a bolela. Mme Gakebatshole o gwetlha bao ba ba saletseng kwa morago mme ba na le matlho a go bona gore ba boele sekoleng ka go bala le go kwala go neela motho seriti. A tswelela ka gore a batsadi ba farologane le ba bogologolo ba ba ne ba sa itse mosola wa thuto. “Batsadi ba rona bogologolo ba ne ba dumela fa ngwana wa mosetsana sa gagwe e le go aga lelwapa a nyalwa, fa wa mosimane ene e le molemi-morui,” a tlhalosa. BOPA education 4 Monana wa Tsabong o a iphataphatela Monana mongwe kwa Tsabong o itshetsa ka go loga moriri. Mme Marea Bok a re o sale a simolola go loga a le dingwaga di le lesome le bobedi a rutiwa ke motsadi wa gagwe. Ka Motswana a re, ea re go tlogelwa tsatsing se ikise moriting, e ne ya re go hulara ga motsadi a tsweledisa tiro e e eleng yone e mo tshetsang mo nakong eno. Monana yo, a re ga ea ka yare a fetsa mophato wa botlhano a inaakanya le nnotagi jaaka bangwe ba dira, mme o ne a tsweledisa talente ya gagwe. Mme Marea a re o lebogela ba masika le ditsala ka ba ile ba mo ema nokeng go bona gore toro ya gagwe ea atlega. A re o simolotse kgwebo e, a logela mo lwapeng ka a ne a sa bone kwa a ka direlang teng ka jalo a kgobokanya madi go reka didirisiwa go fitlhelela a bona lefelo. “Ke simolotse ka mmereki ale mongwe gompieno ba bararo, maikaelelo ame ke go ba oketsa fa ke ka bona lefelo le legolwane go thusa banana ba bangwe ka go na le letlhoko la ditiro” go tlhalosa Mme Bok. O boletse fa go bona lefelo le a ka direlang mo go lone go se motlhofo gape ditlhwatlhwa tsa mafelo mangwe di le kwa godimo le ntswa lefelo le le lennye. Mme Bok a re mo nakong eno ba lekgotla la kabo ditsha la kgaolo ya Kgalagadi ba emisitse go baya ditsha mo eleng nngwe ya dikgwetlho tse a nang le tsone mo godimo ga moo, khansele e gana a logela gongwe le gongwe. A re o na gape le mathata a metsi ka ale letswai, se se baka dithutafatsa metsi le mixer tap go nna di thubega di batla go baakanngwa kgapetsa kgapetsa. A re se sengwe ke gore ba reka didirisiwa kgakala. O tsweletse ka gore ntle le dikgwetlho tse a kopanang le tsone, kgwebo e na le dipoelo tse di nametsang. A re o ikaelela go ya go kopa thuso ya lenaneo la banana gore ba mo rekele mobile salon ka yone e kgona go nna gongwe le gongwe le gore e tla a mo fokoletsa ditshenyegelo tsa go duela lefelo. Mme Bok o tlhalosa gore, “kgwebo ya moriri e bogadi bo gaufi ka yone o kgona go e simolola mo lwapeng” A re o rotloetsa banana gore ba se nne fela ba lebeletse mo pusong ,a tlhalosa gore ba dirise diatla tsa bone ka Modimo a rile mongwe le mongwe o tla tshela ka mofufutso wa phatla ya gagwe. O supile fa bonatla,botswerere, bopelotelele le botho e le tsone di okang balogi ntle le ditlhwatlhwa. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Banni ba batla Makgaba a rurifadiwa Banni ba Makgaba mo kgaolong-potlana ya Boteti botlhaba ba boletse fa ba sa jesiwe di welang ke gore ba sale ba tlhaloseditswe gore puso e dumalane gore motsana wa bone o tlaa rurifadiwa ka fa molaong mme nako kgolo ke eno. Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Boteti Botlhaba Rre Sethomo Lelatisitswe bosheng. Modulasetilo wa VDC, Rre Bawani Gosetsemang o tlhalositse fa motsana wa bone o ise o rurifadiwe, a tlhalosa fa go tlhoka go bewa motse ga Makgaba go baka gore ba seka ba kgona go akola ditlamelo le mananeo a puso a go leka go intsha mo lehumeng. Rre Gosetsemang o boletse fa Makgaba a le ka fa tlase ga tlhokomelo ya Mokubilo, a re ka jalo ditlamelo tsotlhe tse di tlhokegang ba di latela kwa Mokubilo. A re le fa Mokubilo e le one motse o gaufi o nnang le ditlamelo, go kgakala mo banning ba bangwe ka gore bangwe ga ba na madi a sepalamo fa bangwe e le balwetse ba ba tlhokang thuso ya bongaka bogautshwane. Go ya ka Rre Lelatisitswe, puso e dumalane gore Makgaba a nne motse ka fa molaong, a supa gore mo nakong eno kgang ya teng e kwa khuduthamageng. Rre Lelatisitswe o tlhalositse fa go rurifatsa motse go tlaa thusa banni fela thata ka dilo di le mmalwa tse di akaretsang go atametsa ditlamelo mo bathong. Rre Lelatisitswe o tlhalositse fa ditlamelo dingwe tse motse o ka di tlhokang ke; sekole, kokelwana le kgotla. O tsweletse ka gore go atametsa sekole mo banning go le botlhokwa fela thata ka gore thuto e tlhabolola motho, le gore bana ba ba botlana ba tlaa bona tlhokomelo ee faphegileng ya batsadi ba bone ka gore ba tlaa bo ba nna le bone. Mo kgannyeng e nngwe, Kgosi Rebagago Kesekilwe wa Makgaba a re ba tshwenngwa ke melato ya dikgomo tse di jelang balemi dijalo mo masimong. O kopile gore barui ba dise leruo la bone go itsa dikgotlhang gare ga bone. Kgosi Kesekilwe o tladitse ka gore go dirwe molao wa go ka atlhola barui fa leruo le sentse mo masimong. Rre Kesekilwe o ne a kopa banana ba motse gore ba emise go fitlha batswakwa ba ba senang diteseletso mo matlong le fa e le bone ba ba thusang go bona dijo. O boletse fa go baya motho yo o ntseng jalo go le diphatsa mo morafeng ka gore bangwe ke dirukutlhi tse di felelang di ba senyetsa. Kopo e ya ga kgosi e tla morago ga gore go begiwe fa go thubile magolegwa a le 18 kwa kgolegelong ya Francistown Central Prison. BOPA politics 7 Banni ba Ghanzi ba keteka boipuso ka mashetla Jaaka Batswana go ralala lefatshe leno ba ne ba ipelela boipuso jwa dingwaga tse di masome matlhano le metso e meraro ka Mosupologo, banni ba Ghanzi le bone ba ne ba phuthaganetse kwa kgotleng e tona go ipelela letsatsi le ntswa dipalo tsa bone di ne di se kalo. Melaetsa ya letsatsi e ne e remeletse thata mo kagisong le thokgamo tse di renang mo lefatsheng leno le kgatelopele ya matshelo a Batswana. Go ya ka moruti, Rre Rethabile Sibeko wa Reformed church, tse ga di a kgonagala ka botlhale jwa ga ope, fa e se fela ka tlhotlheletso ya mowa o o boitshepho. Moruti Sibeko a re Botswana o se a leng sone ka mautlwelobotlhoko a Modimo, e bile o ipelela dingwaga tse di masome matlhano le boraro go ise go nne le kubetsano epe, le fa e le semorafe ka ntata ya Modimo. Ka jalo, a re Motswana ka bongwe le bongwe o tshwanetse go leboga modimo, a tlatsa ka go re a diphetogo le puso ya batho ka batho di seka tsa lebatsa botlhe Modimo ka ke ene a dibetseng kagiso le thokgamo ya lefatshe leno. Molaetsa wa ga Tautona o ne wa balwa ke molaodi wa Ghanzi, Rre Patrick Tlotleng, mme le one o ne o gatelela gore go botlhokwa go ipelela kgatelopele kgotsa katlego ya tshaba ya Botswana. O ne o rotloetsa Batswana go dira ka natla go tsweledisa kgatelepele eno le go hema tse di akaretsang letlhoko la ditiro mo bananeng, lehuma, malwetse le go fetoga ga seemo sa loapi. Mo godimo ga moo, molaetsa o, o ne wa gwetlha botlhe go tiisa maiteko a go tswakanya le go fetola itsholelo gore e nne e e ikaegileng ka dikitso mme Batswana botlhe ba tsenye letshogo. Ka boipuso jwa ngwaga ono bo tla dibeke di sekae fela pele ga ditlhopho tsa setshaba, Tautona o ne a rotloetsa Batswana ba ba ikwadiseditseng go tlhopha, go ya go diragatsa tshwanelo ya bone ya go itlhophela boemedi jwa sepolotiki a bo a ba rotloetsa go tlhopha ka kagiso jaaka gale. O supile fa tsamaiso ya batho ka batho e ikaegile ka molao- motheo wa lefatshe, o e leng one o tlhomamisang gore Batswana ba tshela ka tshosologo. E ne e rile go le pele, Kgosi Botshelo Lekgothu wa Ghanzi a supa matshwenyego ka dipalo tse di wetseng tlase tsa banni ba ba tlang go ipelela boipuso kwa kgotleng. society 9 Go tlhoka Omang go baa Kebifile ka fa mosing Mme Josephine Kebifile, yo o tlholegang kwa Letlhakane, a re ga a na Omang ka jaana mmaagwe a tlhokafetse a ise a e mo direle. O ne gape a tlhalosa fa a sa itewa seatla e bile e le molwetse wa kankere. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Kebifile o tlhalositse fa a tshelela mo botlhokong ebile a sa bone boroko. Mme Kebifile o tlhalositse fa seemo sa bolwetse se simolotse ka kgwedi ya Phalane ngwaga o o fetileng mme seemo sa bifela pele ka kgwedi ya Morule morago ga keresemose. O boletse fa a ne a ile kwa kokelong ya Letlhakane mme ba mo fetisetsa kwa kokelong ya Nyangabwe kwa a tswang go bona thuso e e neng ya ritibatsa botlhoko. O tshwanetse go ya go tlhatlhobiwa kgwedi ya Phatwe e tlhola malatsi a le masome mabedi le borobabobedi. A re ba bongaka ba mo gakolotse gore a sa amane le mogote ntswa a na le losea le le tlhokang gore ale direle mashi ka a sa amuse ka lebele. O boletse fa a ne a bereka ele modisa wa dipodi ko merakeng ya Metlhabeng pele ga a tlhaselwa ke bolwetse mme mo nakong ya gompieno a sa kgone go itirela sepe. O na le bana ba babedi,yo motona o lekanye go tsena sekole mme go padile ka a sena sesupo sa gore ke Motswana. Yo mongwe o dikgwedi tse nne. Mme Kebifile o supile fa a tshelela mo lehumeng le le maswe ka a sa thusiwe ka mananeo a puso ka lebaka la go tlhoka karata ya Omang. O tlhalositse fa a sa kgone go nna lebaka, mme go batla a tlhola a rapame fela. O boletse fa a tlhokomelwa ke mmangwaneagwe yo e leng ene yo o bapalang mogwana, ba o rekise mme ba kgone go reka dijo. Ba lelwapa la ga mme Kebifileba ba nna mo ntlong ya mmu e ruletswe ka bojang mme e se mo seemong se sesiametseng go nna molwetse wa sepopego sa gagwe. Ba nna mo ntlong eo ba le lesome le borobabobedi. society 9 Letshololo le tlhasetse Moiyabana Motse wa Moiyabana mo kgaolong ya Legare o tlhasetswe ke dipeba tse banni ba belaelang fa di ka tswa di ba tsiseditse bolwetse jwa letshololo. Banni ba boletse jalo mo phuthegong ya kgotla morago ga pego ya ba botsogo ya gore ba amogetse dikgang tsa letshololo di le masome a mararo mo bekeng tse pedi tse di fetileng di ama bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse tlhano. Banni ba tlhalositse fa dipeba tseo di ba tsentse tsebetsebe ka jaana di dira go rata le go kgona mme ba supa fa di ka tswa di bakwa ke go bo ba nnile le thobo e e nametsang mo pakeng e e fetileng ya temo. Ba re ba belaela fa dipeba tseo e le tsone di ka tswang di baka letshololo le le tsweletseng ka go tlhasela bana le bagolo. Ba ne ba batla go itse gore a dipeba ga di na botlhole bope jo bo ka amang botsogo jwa motho fa di amane le dijo. Fa a tsibogela matshwenyego ao, mooki Mme Dziidzo Lebala o tlhalositse fa dipeba di ka baka bolwetse jo bo bidiwang ‘plake’ jo a supileng bo ise bo nne teng mo lefatsheng leno. Mme Lebala o tlhagisitse banni gore ba seka ba ja dijo tse di amaneng le dipeba mme e bile a ba gakolola gore ba tshwanetse go obamela ditsetlana tse di babalesegileng fa ba tshwara dijo go itsa go tshabelelwa ke megare e e ka feletsang e ba baketse malwetse a tshwana le letshololo. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa tsa botsogo, Rre Bagogi Chibona o rurifaditse fa bolwetse jwa letshololo bo amile banni ba motse oo ka dipalo tse di kwa godimo mo bekeng tse pedi tse di fetileng e bile bo setse bo anama le metse e mabapi. O ba kgothaditse go phepafatsa tikologo ya bone nako tsotlhe ka e rotloetsa botsogo jo bo itekanetseng. Fa a itebaganya le bommabana, Rre Chibona o tlhalositse fa lephata la gagwe le sa rotloetse kamuso ka lebotle ka e le borai gonne e ka baka letshololo mo baneng jalo a ba kgothatsa go amusa ka lebele kgotsa ba dirise kopi ka e le motlhofo go tlhatswega. O tsweletse a re mmangwana o tshwanetse a tsaya bogakolodi kwa go ba bongaka go tloga ka boimana jwa gagwe go fitlha a tshola ngwana. Le fa go ntse jalo, Rre Chibona o tlhalositse fa go ise go nne le dintsho dipe tse di begilweng tse di ka tswang di bakilwe ke letshololo leo mme a kgothatsa banni go bona ba botsogo fa ba tlhagogelwa ke dikai tsa bolwetse joo ka bo le borai fa bo sa tsibogelwe ka nako. O boletse fa dipatlisiso di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se baka bolwetse joo mo motseng oo. Bokhutlo health 6 Kgosana ya tetlanyo e tlaa kiba ngwaga tse tlhano Kgosana ya tetlanyo kwa Mabutsane mo kgaolong ya Borwa, David Pule, o atlholetswe dingwaga di le tlhano mo kgolegelong morago ga go bonwa molato wa bogodu jwa leruo. E rile ka kgwedi ya Ngwanatsele ngwaga wa 2014, Pule a utswa dikgomo di le thataro mo go Mme Dolly Mapere mme a di rekisetse puso ka P20 000. Dikgomo tseo di ne di filwe Mme Mapere ka lenaneo la go thusa batho ba metse e e kgakala le ditlamelo. Mmueledi wa mosekisiwa, Rre Phenyo Sekape, o ne a kopa gore lekgotla le rekegele dingwaga tsa mosekisiwa le gore o na le boikarabelo mo setshabeng ka jaana e le kgosana. O ne a kopa lekgotla gore le lebe ntlha ya gore ke lantlha mosekisiwa a dira molato mme e bile ke ene a tlhokomelang lelwapa la gagwe. Godimo ga moo, Rre Sekape o ne a kopa gore mmakaseterata a seka a gagamaletsa mosekisiwa setoropo ka jaana a sa boelwa ke sepe mo bogodung joo ka dikgomo di buseditswe mong wa tsone. Mosekisi wa kgang eo, Rre Edwin Supang o ne a supa fa se mosekisiwa a se dirileng e le matlhabisa ditlhong ka jaana a na le boikarabelo jo botona mo morafeng. A re o tshwanetse go ka bo e le sekao mo setshabeng se se solofelang go le gontsi mo go ene. E rile a ntsha katlholo, Mmakaseterata Odirile Mokgatle a re ere le ntswa a lemoga ipobolo ya gore mosekisiwa ke motho yo motona e bile ke lantlha a dira molato, bogodu jwa leruo ke molato o o kwa godimo mme e bile katlholo e tshwanetse go nna maleba mo go mosekisiwa ga mmogo le molato o a o dirileng. A re go tlhabisa ditlhong gore mosekisiwa ele motho yo setshaba se nang le tshepho mo go ene a bo a utswela motlhoki yo o thusitsweng ka lenaneo la puso. Mme Mokgatle a re bosupi jo bo beilweng lekgotla pele bo supa fa mosekisiwa a ne a neela mongongoregi sekete le dipula di le makgolo a matlhano (P1500) e le phimolo dikeledi ka nako e nneng monongoregi a batla dikgomo tseo. Mo godimo ga moo, mmakaseterata o ne a ela tlhoko ntlha ya gore mosekisiwa o ne a leka go reka mongongoregi ka dikgomo tse pedi gore a tsholole kgang kwa mapodising. Le fa go ntse jalo, o ne gape a re lekgotla le lemoga fa mosekisiwa a sa boelwa ke sepe mo bogodung joo ka jaana dikgomo tse a neng a di utswile di ne tsa busediwa mongongoregi, ka jalo a mo atlholela kotlhao e e kwa tlase ya molato oo ya dingwaga di le tlhano mo kgolegelong. crime_law_and_justice 1 Dikwena di tlhasetse kwa Maun Mogolwane wa lephata la diphologolo le makgabisa naga Rre Bolt Othomile o supile fa go kgala ga metsi mo dinokeng tsa Nhabe go dira gore batho le diphologolo di tlhaselwe ke dikwena tse di nnang mo megobeng e e setseng. Rre Otlhomile o tlhalositse se mo puisanong le BOPA. Rre Otlhomilwe a re mogote o o feteletseng o dira gore dinoka di kgale mme metsi a a salang a itire megobe e mo go yone go nnang dikwena, le dikubu le diphologolo tse dingwe tsa metsi A re go supafala gore mo dikgweding tse pedi, kgwedi ya Lwetse le Phalane go gatisitswe dikgang di le lesome tsa go jewa ga leruo ke dikwena mo dinokeng tsa Boro, Thamalakane Botlhabatsatsi le Bophirima le Xwexwa. A re bosheng go nnile le kgang e monna mongwe a neng a tlhaselwa ke kwena kwa Tsanekona. Rre Otlhomilwe a re monna yo o ne a ba tlhalosetsa gore o ne a re o itimola mogote ka go tlhapa mo nokeng mme ka go tlhoka lesego o ne a tlhaselwa ke kwena ya kgaola letsogo la gagwe ya sia ka lone. “Le fa go ntse jalo, monna yoo a re go ne ga atumela kwena nngwe e re e a mo tlhasela ka lesego ga tlhaga mokoro o batho ba neng ba le mo teng ba mo thusa ka go mo inola mo metsing.” ga bua Rre Otlhomilwe. Rre Otlhomilwe o gakolola batho ba ba nnang go bapa le dinoka go nna kelotlhoko mo diphologolong tse di nnang mo metsing ka gore di borai e bile di tlaa ba gapela matshelo fa ba sa itlhokomele. O ne a tlhalosa gore ba lephata la diphologolo le makgabisa naga ba dira dipatlisiso tsa go bona gore dikwena di ka tswa di le dintsi mo megobeng efe le gone gore ba ka di fudusetsa kae fa di leng dintsi teng go di isa kwa di seng dintsi teng. Rre Otlhomilwe o supile fa ba tsile go baya mekwalo ya go tsibosa setshaba ka diphatsa tsa diphologolo tsa noka mo megobeng e e teng. O rotloeditse banni gore ba emise go tlhapa le go tlhatswa mo dinokeng ka gore seo se baya matshelo a bone mo diphatseng. environment 5 Kgosi o akgolela banni go ikanya thapelo Kgosana ya tetlanyo ya kgotlana ya Maenjane kwa Tutume, Rre Otsile Ketshotseng o akgotse banni ba kgotlana e go bo ba tsena merapelo ka tlhwaafalo. Mo potsolotsong bosheng, o tlhalositse fa seo se supa popagano le tirisano mmogo mo kgotlaneng ya gagwe mme le fa go ntse jalo Kgosi Ketshotseng o supile fa a santse a le sebete se molangwana ka bangwe ba ba santseng ba goga dinao le go tsena merapelo eo. O tlhalositse gore Batswana ba tshwanetse go lemoga fa metlha e fetogile ka gonne lefatshe leno le tsweletse ka go lebanwa ke dikgwetlho di tshwana le tlhagogo ya malwetse, dintsho tsa dikotsi tsa tsela ga reng ga tse dingwe. Ka jalo a re seemo se se tlhoka boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go nna le seabe go lwantsha dikgwetlho tse, a tlatsa ka gore Modimo ke ene botshabelo e bile a ka rarabolola mathata otlhe a a tlhagogang. O tsweletse a re merapelo e ka tsisa tsholofelo gape e ka sidila maikutlo a ba ba amegang mo dikgwetlhong tse, ka jalo go botlhokwa gore e tsenwe ka tlhwaafalo. Go sa le foo, Kgosi Ketshotseng a re go na le dikereke tse di ntsi thata mo kgotlaneng mme fela ga a itumedisiwe ke go bona dingwe tsa tsone di ikgogela kwa morago mo tirong e. Mo go tse dingwe, Kgosi Ketshotseng o supile fa a sa itumedisiwe ke dintsa tse di gobeyang mo motseng di sena tlhokomelo ka di ba tshedisa bokete gonne di bolaya leruo segolo jang dipudi le dinku. A re tshenyo e e bakiwang ke dintsa tse e a ama fela thata ka mo kgweding eno ya Lwetse, ba setse ba kwadisitse palo e feta masome a mabedi ya leruo le le bolailweng ke dintsa tse. Kgosi Ketshotseng a re se se utlwisang botlhoko le go feta ke gore dintsa tse ga di bolae pudi kgotsa nku e le nngwe fela di kgona go bolaya dihutshane di feta botlhano.Bokhutlo society 9 Mananeo a tlodisa melatswana-kgosi Mananeo a puso a nyeletso lehuma a tsweletse ka go amogelwa sentle mo metseng ka go farologana mo lefatsheng la Botswana. Fa a bua mo potsolotsong, Kgosi ya Tobela Major Kgotlayame Mphoyakgosi o boletse fa mananeo a puso a nyeletso lehuma a tsweletse sentle mo motseng, segolo jang a dihutshane ka gore one ga a tlhoke metsi a a phepa le motlakase, dilo tse pedi tse di seyong mo motseng wa Tobela. Go sale foo, Kgosi Mphoyakgosi o supile matshwenyego ka bogodu jwa leruo bogolo jang jwa dihutshane. O tlhalositse fa mo ngwageng ono, go setse go utswilwe dipodi di feta masome a matlhano, mme mo tiragalong e e neng ya gakgamatsa ba le bantsi gone ga utswiwa dipodi di le masome a mabedi le bosupa ka nako e le nngwefela ke bana ba Tobela ba dirisana le ba metse e e mabapi. O tlhalositse gore e re ntswa dilalome tse di utswang leruo di tshwarwa ke ba sepodisi mathata e nna tiego ya ditsheko ntswa bosupi bo le teng. Mo go tse dingwe kgosi o supile fa a itumedisiwa ke gore motse wa gagwe o akareditswe mo metseng e e amogetseng molelo wa Kgolagano ka kgwedi ya Seetebosigo. Kgosi Mphoyakgosi o boletse fa molelo wa kgolagano o gokagantse motse wa Tobela le metse e mengwe mo Botswana bogolo jang ka gore go na le batho ba ba sa itseng gore go na le motse o o bidiwang Tobela. O tlhalositse fa motse wa Tobela e le motse wa Bakaa o o simolotseng mo lentsweng la Manale ka dingwaga tsa bo 1800. Fa Bakaa ba ne ba fuduga mo lentsweng leo bangwe ba ne ba fudugela ko Shoshong mme bangwe ba fudugela fa Tobela a leng teng gompieno. economy_business_and_finance 3 Moimana ke galase - mabutswapele lick to see more pictures Batswana ba kile ba bo ba na le ditsela tse di faphegileng tsa go dira dilo, mme tlhabologo ya fetola tse dingwe. Kwa Sehunou, dikhilomithara di ka nna masome a mararo Borwa jwa Serowe, matlhogotshweu a tlhalositse mo potsolotsong fa kgodiso ya ngwana wa mosetsana e ne e le tiro e e masisi, e batlapele ba morafe wa Basarwa ba neng ba e dira ka manontlhotlho. Mongwe wa bagodi ba motse oo, Mme Kokowe Galetlhaloganye, yo o tshotsweng ka ngwaga wa 1936, a re ka nako ya fa bone ba fatlhoga, e ne e re ngwana wa mosetsana a sena go rupa kana go simolola go bona setswalo, a bewe leitlho thata go ela tlhoko diphetogo dipe tse di ka diragalang mo go ene. A re se segolo se se neng se lejwa e ne e le boimana. A re go ne go le botlhokwa gore go lemogwe fa boimana bo santse bo le bo sha ka jaana a ne a tlhoka go fiwa tlhokomelo e e faphegileng gore boimana le pelegi di tsamae ka thelelo. Mme Galetlhaloganye a re go ne go silwa moretologa mme o tlhakanngwe le mafura a phofu go sidila moimana. A re moretologa o ne o dirisediwa gore o na le mafura ka bo o ne mme fa o tlhakane le mafura a phofu, go ne go tshwana fela le mafura a a dirisiwang mo nakong eno a vaseline. Mosadimogolo Galetlhaloganye a re ka ba godile go ise go nne le ditirelo tsa botsogo tse di leng teng gompieno, bomme ba ne ba belegisetswa mo lwapeng, tiro e a boletseng fa gantsi e ne e dirwa ke basadibagolo. Le fa go ntse jalo, a re diemo di ne di etle di patike gore motho ope fela wa mme a belegise mongwe ka ene fa go ne go ka tshokane go sena mosadimogolo gautshwanyane. “Nna nkile ka belegisa nkgonne re tswa Serowe a bo a tlhaelela mo tseleng. Le fa ke ne ke le mmotlana ebile ke sena ngwana nako eo, ke ne ka dira jaaka ke ne ke rutilwe nako ya fa ke aloga,” Mme Galetlhaloganye a tlhalosa. A re morago ga moo, o ne a tshwelela a nna a belegisa go fitlha jaanong go sa tlhole go belegelwa mo malwapeng. Sengwe sa botlhokwa se a kaileng ba ne ba se dira fa ngwana a sena go tsholwa, e ne e le go tlhomamisa gore ba thibela ngwana go tshabelelwa ke mopalo. Mme Galetlhaloganye o tlhalositse fa mmangwana le rangwana ba ne ba tlhabiwa ditlhabo ka legare mme madi a bone a tlhabelwe mo ngwaneng. A re go dira jalo e ne e le go tsenya ngwana menontshane, mme ngwana yo o dirilweng jalo o ne a gola a le montle, nama ya gagwe e kgatlha leitlho. Letlhogoputswa le lengwe, Mme Romola Tsoroxee yo le ene a neng a belegisa, a re moimana o ne a tsewa jaaka galase, a sa rwale bokete ebile a otlwa gore a seka a tlhaela dikotla mo mmeleng. Le ene fela jaaka Mme Galetlhaloganye, o ne a supa fa go ne go le botlhokwa thata go tsenya lesea madi a batsadi ba lone go itsa mmopamo. Mme Tsoroxee, yo o ngwaga di masome a supa, a re go tlhabela ngwana madi a batsadi ba gagwe e ne e le molemo o motona, mme e ne e re ngwana a dirilwe jalo a tsenye mmele ka bofefo mme a nne montle. Mme Maiyoyoo Sebodisakgokong, yo a leng mogoloe Mme Tsoroxee le ene o supile fa ka nako ya bone ba ne ba sa itse sepe ka dikokelo mme ba belegela fela mo malwapeng. A re bontsi jwa thaka tsa gagwe ga ba ise ba belegele kwa bookelong. Monna wa ga Mme Tsoroxee, Rre Makholo Gonoga, ene o gateletse fa moimana a ne a fepiwa ka dibapalwa nageng jaaka motsotsojane, sekopane, morama, mohubala le tshuga go mo nonotsha le go ipaakanyetsa tiro e e bokete ya pelegi. A re gape go ne go na le melemo ya setso e e neng e dirisiwa ka nako ya boimana kana morago ga pelegi go tswa mo go reng seemo ke se se ntseng jang. “Fa mosetsana a sena go belega, mme rraagwe ngwana a le matlhomatlho, re ne re nosa ngwana molemo o o bidiwang phate gore rraagwe a seka a mmakela bokoa,” Rre Gonoga a tlhalosa, a supa gape le gore fa moimana a ka senyegelwa le gone o ne a alafiwa go itsa go tsenya monna bolwetse. “O ne a epelwa ditlhare a bo a di sielwa, e seng jalo o ne a ka tshuba monna dirope, a mo tsenye bolwetse fela jo motho yoo a neng a ka felela a sule,” Rre Gonoga a tlhalosa. A re metlha e fetogile, ga go sa tlhole go na le ope yo o belegisediwang mo lwapeng ka ntlha ya malwetse. A re go tlhagoga ga mogare wa corona bone e le batho ba maloba, go ba tsentse tsebetsebe ka go ba bontsha fa diphetogo tsa botshelo di tsaya phekelo e sele ebile ba sa tlhole ba di tlhaloganya. education 4 Babapadi ba phane ba tlaa tseelwa dikgato Molomaganya ditiro tsa lephata la tshomarelo tikologo le matlotlo a ditsa-tlholego mo kgaolong ya legare, Rre Kebagaisitse Mapena, a re batho ba ba tsweletseng ka go bapala phane ba sena diteseletso ba tlaa tseelwa dikgato. Rre Mapena o boletse mo potsolotsong gore, batho bangwe mo dikgaolong tsa Boteti, Tutume, Masunga le Borwa ba na le mokgwa wa go bapala phane le mororo ba sena diteseletso. A re ba ba inaakantseng le go dira jalo ba ka lefisiwa sekete sa dipula kana ngwaga mo kgolegelong, kana dikatlholo tseo di tsamaya mmogo. O tlhalositse fa lephata la gagwe le dirile P16 714 ka go neela batho diteseletso tsa go bapala phane mo dikgaolong tsa lefatshe leno ngogola ka kgwedi ya Sedimonthole. Rre Mapena o tsweletse ka go kopa Batswana ba ba itshetsang ka go bapala phane gammogo le ba ba gwebang ka yone, go nna ba ipega mo dikgosing, beng ba masimo le meraka e ba bapalang phane mo go yone go hema dikgotlhang fa gare ga bone le beng ba metse e ba bapalang phane mo go yone. A re go ipega mo dikgosing go ka ba thusa ka jaana ba ka kgona go kaelwa kwa phane e leng teng le go ba namola kana go ba tswa mokgosi fa bangwe ba bone ba timetse mo sekgweng. Rre Mapena o rile le fa phane e dikile e seyo mo dikgaolong di le mmalwa ntateng ya leuba le le bakilweng ke go tlhoka dipula, gone Batswana bangwe ba kgonne go tswa ka sengwe. Le fa kgaolo ya Shoshong e sa tlwaelesega ka go nna le phane, kgosi Gofaone Khukhwane wa Kodibeleng o tlhaloseditse ba BOPA fa banni ba Kodibeleng le meraka e e mo tikologong ba dikile ba bapetse phane kwa merakeng ya Merolo,Masowa le Mosoke. Kgosi Khukhwane o rile le fa go sena ditlhare tsa mophane kwa kgaolong eo, seboko sa phane se itshetsa ka matlhare a magonono. E re ka go dikile go gosomane dipula tse dinamagadi mo dikgaolong tsa bokone botlhaba le legare tse e leng tsone boremelelo jwa phane, Rre Mapena o bolela fa go tlaa dika go nnile le phane e ntsi ka kgwedi ya Moranang mono ngwaga. BOKHUTLO society 9 Dikgosana di tla atswiwa Kgosi ya Letlhakeng, Rre Itsoseng Gaoonwe, o supile fa dikgosana tsa tetlanyo tse di ntseng di ithaopile di tlaa atswiwa. O buile seo fa a ile go tsaya leina la kgosana ya tetlanyo e ntseng e ithaopile kwa kgotlang ya Goo-Moatlhodi kwa Khudumelapye. Kgosi Gaoonwe o supile fa puso e lemoga boithaopo jwa dikgosana tsa tetlanyo ke jaaka e na le thulaganyo ya go ba atswa. O kaile fa puso e ka se atswe dikgosana tsotlhe nako ele nngwe. O ne tlhalosa fa a tsile go tsaya bosupi jwa gore Rre Dikakanyo Gaoswediwe wa kgotlana ya Goo Moatlhodi ke ene a ntseng a ithaopile go ele kgosana ya tetlanyo. Fa ba mokgwa dikgaba mongwe wa ba kgotlana eo Rre Basia Dipolelo o ne a supa fa ba amogela gobo kgosana ya bone e tla atswiwa ke puso ka a sale a ithaopa lebaka le le leele. O ne a supa fa gone gole maleba gore e nne ene yo a tlhatlhamang rraagwe gona le Rre Dikakanyo Gaoswediwe yo e leng rangwanaagwe.Go mo kgwa dikgaba Rre Angry Lempodi o nea supa fa ene yare ba tlhopha leina la ga Rre Dikakanyo Gaoswediwe go ne ga seka ga nna le ngongora. O ne a supa fa a gakgamala go kopana le dikngongora morago ga lebaka le le kana kana kgosana eo e ithaopile mme go sena mongongoregi. Mongwe wa ba lelwapa la kgotlana eo Rre Diteko Gaoswediwe one a supa fa ele nnete kgosana ya bone ena le lebaka le le leele e ba ithaopetse.O kaile fa Rre Dikakanyo Gaoswediwe a ne a ba letlanya go sena ope yo o kgatlhanong le ene. O kaile gape fa bane ba bitsa morafe wa kgotlana eo go tlhopha leina la kgosana mme ba tlhopha Rre Gaoswediwe yo e leng kgosana le ka sebaka se. Mo mafokong a gagwe a malebo Kgosi ya Khudumelapye Rre Edwin Ramokobetwane o ne a supa fa a lebogetse tshwetso ya puso go atswa dikgosana tse di ntseng di ithaopile. O kaile fa e sale a lela gore go atswiwe dikgosana. politics 7 Kereke ya Morning Star Apostolic e aba ntlo Kereke ya Morning Star Apostolic Church Of Christ e abetse Mme Dineo Monare wa Sefhophe ntlo. Fa amogela ntlo eo ka Matlhatso, mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofo Molefhi, o ne a akgolela kereke eo go supa tumelo e e nang le ditiro. Rre Molefhi o tlhalositse fa kereke e tshwanetse go thusa setshaba, mme a e gwetlha go tswelela ka go bereka le puso go thusa go nyeletsa lehuma le go fa batlhoki seriti. Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila, o ne a lebogela kereke seabe sa yone mo go tlhabololeng motho. Moeteledipele wa dikereke tsa semoya, Rre Phillimon Motlhagodi, a re dikereke tsa semoya di bone go le maleba go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. A re fa e sa le go simolola ka kgwedi ya Ferikgong monongwaga dikereke tsa semoya di abile matlo a le lesome le boraro lefatshe ka bophara. O ne a tlhalosa gore dikereke tsa semoya di tsamaelana le tshetlana ya tebelopele ya ngwaga wa 2036 ya go aga itsholelo ya boleng ka go nyeletsa lehuma. Moeteledipele wa kereke ya Morning Star Apostolic Church Of Christ mo Selebi Phikwe, Rre Molosiwa Molosiwa, a re ba ne ba gwetlhwa ke seemo sa ga Mme Monare, mme ba tsaa maikarebelo a go kokoanya madi go mo agela ntlo. O ne a re ke nako ya gore kereke e tsenye letsogo go inola ba ba tlhokang mo molelong wa khumanego, mme a kgothatsa bakeresete go nna le bodiredi le go emisa mokgwa wa go batla go ikhumisa ba itlhokolositse ba ba tlhokang. Fa a ntsha la gagwe, Mme Monare o ne a leboga kereke ya Morning Star a tlhalosa fa a ba leba jaaka batsadi ba gagwe, ntswa a sa tsene kereke eo. O ne a ba kopa go tswelela ba supa mowa wa lorato go ralala lefatshe la Botswana ka go na le ba bangwe ba ba tlhokang. E re dikgang di eme jalo, Rre Mzwinila, yo gape e leng tona ya tsa lefatshe, o ne a bolela fa puso e na le molao kakanyetso wa go fetola ditsetlana dingwe mabapi le go abela dikereke ditsha. A re puso e lemogile fa molao o o teng o baa dikereke ka fa mosing, mme seo se tla ama maikarabelo a mantle a di a tsayang jaaka go inola Batswana mo lehumeng. Ene erile go le pele, moeteledipele wa dikereke tsa semoya mo Botswana, Rre Motlhagodi a tlhalosa fa puso e le maoto a tshupa go ba abela lefatshe. O ne a re seo se tla folodisa mangwe a maitlamo a bone a go tlhabolola lefatshe le go thusa setshaba. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Tsayang thuto tsia - Ramotlabaki Kgosi Samuel Ramotlabaki wa Gamodubu mo kgaolong ya Kweneng o kgothaditse batsadi ba motse oo go tlhoafalela go tsenya letsogo mo thutong ya bana. Kgosi Ramotlabaki o buile jaana mo phuthegong ya batsadi, barutabana le bana ba mephato ya borataro le bosupa kwa sekoleng se sebotlana sa motse oo bosheng e e neng e rulagantswe ke bagolwane ba thuto ba kgaolo ya Kweneng. Kgosi o supile fa batsadi e le bone ba ba tshwanetseng go rwala ditlhabololo tsa sekole ka magetla a re ke bone beng ba motse mme barutabana bone ba tsena ba tswa. E rile a itebaganya le bana, kgosi a supa fa lefatshe la Botswana le tlhaelelwa ke bomaitseanape ba ba farologanyeng, ka jalo le sa ntse le patelesega go thapa bomaitseanape go tswa mo mafatsheng a sele. A re ka jalo lefatshe le beile mo go bone gore e nne bone ba ba tlaa tsogang ba dira ditiro tsa bomaitseanape. E rile fa a tswa la gagwe, mogolwane mo lephateng la thuto, Rre Mokwadi Tese a gatelela fa go le botlhokwa go tshwaraganela ngwana ka ke tlholego ya setho. A re ngwana yo o sa tshwaraganelweng o nna makgasa, ditokitoki mme a tlhoke go dira sentle mo dithutong. O boletse fa go tlhoka go tsena diphuthego ga batsadi e le nngwe ya ditsela tse di dirang bana makgasa mo sethong ka go ama maikutlo a bone, selo se a reng se baka go tlhoka boitekanelo jwa go emela ditlhatlhobo. Rre Tese o kgadile a sa kgwe mathe batsadi ba ba buang barutabana leswe, ka a re puo nngwe le nngwe e bana ba e utlwang ka morutabana, ba a e dumela mme ba e tseele le mo dithutong tsa bone. “Go dira jaana, go paledisa ngwana go ithuta ka a sa bone morutabana ka sepe fa a ruta,” a gatelela. A re mo dinakong tse dingwe batsadi ba kgoba bana marapo ka go bua puo e e senyang barutabana, bagolo ba bangwe le baeteledipele ba morafe tota ba akaretsa dikgosi. BOPA education 4 Bagwebi ba ba botana ba amogela madirelo a magolo Kgorogo ya mabentlele a magolwane mo lefelong e lejwa e le tlhabologo e e tlaa tlhamelang banana ditiro. Le fa go ntse jalo , dipatlisiso di supa fa kgorogo ya mabentele a go tshwana le ao, gantsi go gomagometsa go nyeletsa bagwebi ba babotlana, mme seo se ntsifatse letlhoko mo malwapeng ka motswedi wa madi o tlaa bo o kgadile. Mme se, ga se diragalele banni ba Monarch mo francistown. Bagwebi ba babotlana ba tlhalosa fa ba itumelela tirisanyo mmogo le mogwebi wa marekisetso a Shoprite U-save a a tsileng mo kgaolong ya bone bosheng. Mo potsolosong le BOPA, bagwebi ba ba botlana ba ba ikaegileng ka go rekisa maungo le merogo, go akaretsa le ba kapei ya dijo le dimausu ba tlhalosa fa kgorogo ya lebentlele la Shoprite Usave e sa gomagometse go nyeletsa dikgwebo tsa bone ka nngwe tsela mme ba itemogetse kgolo ya kgwebo fa esale marekisetso a tlhongwa mo motsaneng wa bone. Mme Thembi Mugonzo yoo tsamaisang semausu, a rekisa magwinya, ditapole le tse dingwe tsa kapei, o tlhalosa fa kgorogo ya lebentlele le ele tlhabololo e ba sa bolong go e emela e le bagwebi ba babotlana mo Liquor Shopping Complex.. Mme Mugonzo o tlhalosa fa dikgwebo ka bontsi di ne tsa itemogela koketsego ya letseno ka bontsi jwa batho jaanong ba ne ba tla go reka dilwana mo lebentleleng leo, mme ba fete ka bone go reka tse ba di rekisang. Mme Mugonzo o tlhalosa fa a itumelela gore lebentlele le le bo le sa rekise dilwana dingwe tse di rekisiwang ke bagwebi ba babotlana jaaka marotho, dijo tse di apeilweng le tse dingwe. A re seo se supa tirisanyo ya lebentlele le banni ba motse ka e bile banana ka bontsi ba itshetsa ka go rekisa dijo. E re ntswa bontsi jwa bagwebi ba babotlana ba sa tlhole ba tsaya maeto a maleele go reka tse ba di tlhokang mo kgwebong, boammaruri jwa kgang ke gore bagwebi bangwe ba supa fa golo gongwe dipoelo di koafala. Se se tlhalositswe ke Mme Elda Mabunu, wa dingwaga tse di masome marataro le bosupa. Mme Mabunu a re ere ntswa letseno le a neng a le bona mo semausung le ne le se kalo, o itemogetse tiego ya theko mo dilwaneng dingwe ka jaana di tlhwatlhwa tlase mo lebentleleng le. Le fa go ntse jalo, a re tswakanyo kgwebo ke leano lengwe le le bolokileng kgwebo ya gagwe. BOPA economy_business_and_finance 3 Ba akgoletswe mowa wa bopelotlhomogi Babereki ba sekolo se se botlana sa Tawana kwa Orapa ba akgoletswe go supa mowa wa lerato le kutlwelobotlhoko ka go agela bana ba mawelana ntlo ya dikamore tse tharo. E rile a bua kwa pulo semmusong ya ntlo eo bosheng, mogolwane wa Botswana Chamber of Mines Rre Charles Siwawa a bolela fa a leboga babereki ba sekole seo ka mogopolo wa bone wa go simolodisa lenaneo la kago eo ka 2007. Rre Siwawa a re ntlo eo, e agetswe bana bao ba eleng basimane ba babedi le mosetsana ka ba tlhokile lesego gonne ba tlhokafaletswe ke mmabone fa a sena go belega mme mo nakong eno ba tlhokomelwa kwa SOS kwa Francistown. O tsweletse a re le ntswa ba kopane le dikgwetlho ba atlegile mo go ageng ntlo ya seemo se se kwa godimo ya bo ya gokelwa metsi le motlakase. O tsweletse a re babereki bao ba dule ka mogopolo wa go tlhokomela bana ba mme ba laletsa setshaba le ba-na-le seabe ka kakaretso ba ba neng ba kopa dithuso mo dikomponeng ka go farologana mo go dirileng gore tiro e atlege. Rre Siwawa a re lehuma le ntsha motho seriti ke sone se tautona wa lefatshe leno a itlamileng go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo go fitlhelela tebelopele ya 2016. E ne yare a fa lefoko la kgothatso, tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slumber Tsogwane a rotloetsa bana bao go nna le tsholofelo mo botshelong ka kitso ya gore go latlhegelwa ke motsadi ga go reye gore ba setse ba le nosi ka Modimo o na le bone. Tona Tsogwane a re Modimo o dira tiro ya one a dirisa batho jaaka setshaba se kopane go supa mowa wa kutlwelo botlhoko ka go agela bana ntlo ka ba ne ba bona gore ba tlhoka thuso, a re go dira jalo go ba ntshitse lehuma le bosiela. O tsweletse a rotloetsa ba ba nnileng le seabe mo kagong e go tswelela ba thusa ba bangwe ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. Mongwe wa barutabana, Mme Baba Moloi a re Mme Anna Maswikiti le ba lelwapa la gagwe ba ne ba ba bona bana bao kwa sepateleng sa Orapa mme go tlhalosiwa fa mmaabone a ba tlogetse, jalo ba itlama go ba thusa. A re ba kokoantse madi ka ditsela tse di farologaneng mme ba kgona go fetsa ntlo ka tshwaragano le setshaba ka kakaretso. BOKHUTLO education 4 Mogonono o atla maduo a twantsho borukutlhi Kgosi ya Mogonono mo kgaolong-potlana ya Lentsweletau, Mme Goitseone Sekgwa, a re lekgotla la twantsho borukutlhi mo motseng wa gagwe le dira sentle. E rile a bua mo potsolotsong ka Labotlhano, kgosi a akgolela lekgotla leo go dira ka natla e bile ba dira tiro ya bone ka dipelo tse di phuthologileng. A re lekgotla la twantsho borukutlhi la motse oo le dirwa ke banna le basadi ba ba itlamileng go sireletsa motse wa bone mo borukutlhing mme o boletse fa maloko a, a dira tiro ka go tshwana go sa kgathalesege gore ke ba bong bofe. Mme Sekgwa a re motse wa gagwe o o ntseng o sena mapodisi o thusiwa gape ke go bewa ga mapodisi a a tlhokometseng leruo la bogodu le le sa ntseng le tshegeditswe mo motseng oo, mme o supile fa maloko a, a dira tiro ya bone bosigo le motshegare ka tshwaragano le one mapodisi a. Le fa go ntse jalo, kgosi o supile fa borukutlhi e le selo se se tshwenyang thata gongwe le gongwe e bile gose motlhofo go bo nyeletsa. A re mo motseng wa gagwe, ba tshwenngwa segolo bogolo ke bogodu jwa leruo le tshwana le dikgomo, dipodi le ditonki. O boletse fa borukutlhi bo tshwana le go kgothosa le go thuba matlo bo wetse tlase jaaka fa e sale go simolodisiwa lekgotla la twantsho borukutlhi. E re go ntse jalo, Kgosi Sekgwa o supile matshwenyego mo tirisong ya nnotagi ke banni. Kgosi a re o tshwenngwa thata ke gore banana ba di goga kwa pele mo tirisong botlhaswa ya nnotagi. A re gangwe le gape, e a re morago ga maitiso go nne le go rumulana mme go felele go lolwe, selo se a reng ga se age motse. Mme Sekgwa o ne a ikuela mo bananeng go fokotsa tiriso botlhaswa ya nnotagi mme a tlatsa ka go bua mafoko a motlapele a a reng “lemphorwana la bojalwa ga le fofe”. crime_law_and_justice 1 Go runya ga dikereke go tshwenya khansele Mokhanselara wa Bojanala mo kgaolong ya Nhabe, Rre Luke Motlaleselelo a re khansele e tshwentswe ke go runya ga dikereke tse di felelang di tsenela gongwe le gongwe mme di tsosa modumo. O kaile jalo kwa phuthegong e e neng e tshwaraganetswe ke khansele le baruti go tla go ngunaguna ka seemo se. Rre Motlaleselelo a re sebe sa phiri ke gore dingwe tsa dikereke ga di a sala tsamaiso morago. A re dingwe di tsenela mo malapeng fa tse dingwe di obamela mo dikgweng kwa go senang le fa e le ntlwana ya boitiketso mme seo se baya le yone tikologo mo diphatseng. Rre Motlaleselelo o kaile fa ba lemoga botlhokwa jwa dikereke mo tlhabololong lefatshe le go bopa setshaba mme a gatelela botlhokwa jwa go rarabolola dikgwetlho tse di lebaneng dikereke. Le fa go ntse jalo, bagolwane ba lephata la ikwadisetso mekgatlho ba ne ba gakolola dikereke go kwadisa semmuso gore ba kgone go obama ba phuthologile. Dikereke di ne tsa tlhalosediwa ka ditsetlana tsotlhe tse di tlhokegang gore ba kgone go ikwadisa. Modulasetilo wa lekgotla le lebotlana la kabo ditsha mo Maun, Rre Obusitswe Ntirelang o gwetlhile dikereke go ikopela ditsha tsa go aga mafelo a kobamelo, a tlhalosa fa gantsi ba phatlalatsa ditsha tsa go nna jalo mo metsweding ya dikgang gore ba ba nang le kgatlhego ba ikopele. O tlhalositse fa ba kabo ditsha ba itemogetse fa lefatshe le dirisiwa ka mokgwa o e seng one, a supa fa go dirisa lefatshe e se ka fa molaong go ka atlholelwa P10 000 kana kgolegelo. Mogolwane go tswa kwa lephateng la botsogo le tikologo, Rre Tshireletso Koitsiwe ene o tlhalositse fa ba tlaa simolola go etela dikereke go tlhola gore a ditlamelo tse di tshwanang le metsi, matlwana a boitiketso, ditimamolelo le tse dingwe tse di tlhokegang di teng. A re fa di seyo ba tlaa tsaya dikgato. A re go botlhokwa gore dikereke di nne le dithini tsa matlakala mme a supa fa bone ba sena thulaganyo ya go ba tseela matlakala ao. A re go mo maruding a dikereke go bona gore ba thapa dikompone tse di ka ba thusang. Ka jalo maloko a lekgotla la baruti le bodiredi ba dumelane gore dikereke tse di kerekang di sena teseletso di tswalwe go simolola Moranang a rogwa. Modulasetilo wa lekgotla la baruti, Prophet Thato Elias wa kereke ya Gates of Heaven Network a re ga ba a tshwanela go tlola molao e le bogogi jwa dikereke. A re o ipotsa gore dikereke di kgona jang go bula mabolokelo kwa dibankeng basa ikwadisa. A re batho ba go nna jalo ke bone gape ba ba sa dueleng lekgetho. O kopile gape gore dikereke tse di tswang kgakala di direla mo malwapeng mme di kile tsa kopa ditsha ka mabaka mangwe di thusiwe. Bokopano joo gape bo dumalane gore ope yoo tlang mo kgaolong ka maikaelelo a go simolodisa kereke a tsene pele ka lekgotla la baruti le komiti e e tlaa tlhangwang e na le baruti le bodirela puso. Moruti Hitller Kanyeto wa ST John mo Maun o ne a kopa gore e re ka go lebega baruti ka bontsi ba sa itse ka melawana eo ba neelwe nako ya gore ba ye go ipaakanya. religion_and_belief 8 Go amusa ka lebele go siametse mmangwana Go amusa ka lebele go botlhokwa e seng mo leseeng fela le mo mmangwaneng gonne go fokotsa tatlhegelo ya madi ka go dira gore popelo e boele mo mannong ka bonako morago ga pelegi. E rile a bua mo segopotsong sa go amusa ka lebele kwa Mmashoro bosheng, molomaganyi wa botsogo jwa setshaba mo sepateleng sa Sekgoma, Ngaka Onkgopotse Oduetse o ne a tlhalosa fa go amusa ka lebele go fokotsa dintsho tsa bana tse di bakiwang ke go tlhaela dikotla ka bana ba tlaa bo ba tsaya dikotla tsotlhe tse ba di tlhokang mo mashing a lebele. A re setshaba sotlhe se tshwanetse sa tsaya boikarabelo jwa gore go amusa ka lebele go a amogelesega mme ba ka dira se fela ka go fa bomme thotloetso. Ngaka Oduetse o tlhalositse fa mashi a lebele a na le dikotla tsotlhe tse ngwana a di tlhokang ka jalo ngwana o tshwanetse go amusiwa ka lebele go fitlhelela a nna dingwaga tse pedi. O tsweletse a re bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano ba tshabelelwa ke tlala le mmopamo mme fa ba amusiwa ka lebele ba kgona go fema seemo se. O tlhalositse fa mashi a lebele a thibela malwetse le megare mo ngwaneng, bogolo jang a ntlha a kgatsele ka a thusa go baakanya moalo wa mala gore o nonofe o ipaakanyetse go tshwara dijo tse di tiileng tse ngwana a tlaa di jesiwang morago ga dikgwedi tse thataro. Ngaka a re go amusa ka lebele ga go sologele lesea le le nosi molemo go botlhokwa le mo mmangwaneng ka go se motlhofo gore a nne le kankere ya lebele le ya molomo wa popelo. O tlhalositse fa mme yo o amusang a tsaya lobaka go bona setswalo ka jalo bogologolo bana ba ne ba katolosiwa sentle ka ba ne ba amusiwa lobaka mme gape go dira jalo gone go o fa mmele wa mme sebaka sa go boela mo mannong. O tsweletse a tlhalosa fa go amusa ka lebele go fokotsa go leswafatsa tikologo, ka mashi a lebele a sa tlhoke madirelo kgotsa mabotlele a e tlaa a reng kwa bofelong a leswafatse tikologo. Ngaka Oduetse o gakolotse gore ngwana o tshwanetse go simolola go amusiwa ka lebele oura ya ntlha a sena go tsholwa ka go dira gore mme le lesea ba nne le kgolagano e e yang go tswelela le fa ngwana a sena go gola ka ba tlaa bo ba tlhaloganyana sentle. A re go bereka ga go kake ga kgoreletsa mme go amusa lesea mashi a lebele, ka o ka a gamela mo sejaneng se se phepa mme ngwana a sala a a sielwa gonne a kgona go nna dioura di ferabobedi a ntse a siametse go ka sielwa ngwana. O tlhalositse fa mme yo o nang le mogare le ene a sa kgoreletsege go amusa ngwana ka lebele, ka a re ba bongaka ba a bo ba beile seemo sa gagwe leitlho go netefatsa gore o tsaya kalafi ka fa tshwanelong go thibela mogare go fetela mo leseeng ka nako ya fa a amusiwa ka lebele. O kgadile thata bomme bangwe ba ba sa amuseng ka lebele ka ba re ba tshaba gore mabele a bone a tlaa tswa mo setshwanong, mme a tlhalosa gore mabele a tshwanetse go wa go sa kgathalesege gore a motho o amusitse kgotsa nnya. Bokhutlo health 6 Mapodisi a tlhotlhomisa loso Mapodisi a Gerald Estate a tlhotlhomisa loso lwa mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mane le borataro wa Jamakata yo go belaesegang a bolaiwe ka Matlhatso bosigo. Mo potsolotsong, mogolwane wa mapodisi ao, Superintendent Edward Leposo, o tlhalositse fa tiragalo eo e diragetse bosigo jwa Matlhatso ka jaana ba begetswe mo go le le lelateng. Superintendent Leposo a re ba tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le borataro go ba thusa ka ditlhotlhomiso mabapi le loso lo.A re ba sa ntse ba le mo ditlhotlhomisong, a tlatsa ka gore mmelaelwa ke motho yo o kileng a nna le melato mengwe e e neng ya mo isa kgolegelong. Superintendent Leposo a re setopo sa mme yoo se kwa setsidifatsing sa sepatela sa Nyangabgwe go tlhatlhojwa ke dingaka. BOPA crime_law_and_justice 1 Motlhatlhelela dithuto o rotloetsa baithuti Motlhatlhelela dithuto kwa Francistown College of Technical and Vocational Education, Rre Peace Motshegare o tsweletse ka go tlhabolola thuto ka ditsela tsotlhe tse di kgonagalang. O tlhophile sekole se sebotlana sa Magoriapitse e le maiteko a go kgothatsa baithuti le go tlhabolola thuto. Rre Motshegare o ititeile sehuba go atswa baithuti ba lekwalo la bosupa ba sekole seo ngwaga le ngwaga ba ba fenyang ditlhatlhobo ka letshwao lantlha mo dithutong tsotlhe ka P1 000 mongwe le mongwe wa bone. O ne a tlhalosa fa e tlaa nna makgolo a matlhano a dipula fa ngwana a tsere letshwao la maemo a ntlha (A) mme e se mo dithutong tsotlhe. Rre Motshegare o tlhalositse fa a tlaa dira jalo lebaka la dingwaga tse tlhano e le tsela ya go ba rotloetsa mo dithutong tsa bone gore ba ipetlele tsela ya bokamoso jo bontle. Rre Motshegare o rurifaditse maikano a go dira jalo Motsheganong a le 24 ka go abela baithuti ba le barataro P6 000, e le la ntlha, mo moletlong wa go aba dimpho tseo tsa go dira ka natla. A re o na le toro ya go bona motse wa gagabo o nna le dialogane tse di tswang mmadikole, tse e tlaa reng isago di bo di tshwere maemo a a itumedisang mo setshabeng, a gatelela ka go re bana ba sekole seo ba tlho afale mo dithutong ka jaana thuto e le boswa jo bo sa utswegeng. A re keletso ya gagwe ke gore e re ba wetsa dithuto tsa bone a bone mo go bone go na le ngaka, morutabana le tse dingwe. A re e bile keletso ya gagwe ke gore a tswelele a tlhabolola tiro eo gore e seka ya ema fela ka dingwaga tse tlhano, le gore le one madi isago a ntshe sekete fela le mo ngwaneng wa matshwao a a tlhakatlhakaneng. Rre Motshegare o boleletse bana bao gore ba ka kgona go nna bafenyi fela fa ba na le maikaelelo le maikemisetso mo dithutong, ba le boineelo, ba agegile mowa ka go sala morago dikgakololo tsa barutabana e bile ba na le kutlo kwa lapeng le mo sekoleng. A re mme batsadi ba itse fa thuto e le kgetsi ya tsie, ka jalo go tlhokega gore go nne le tirisano mmogo magareng ga batsadi le barutabana. O ne a supa fa a itumetse go bona bana ba ba fentseng ka letshwao la ntlha ba le barataro mo sekoleng seo, mme a tlhalosa fa keletso ya gagwe e le go bona ba oketsegile monongwaga. O boletse fa a ne a gwetlhega go rotloetsa bana bao morago ga go bona e le ene fela a fentseng dithuto tsa gagwe tsa lekwalo la bosupa ka letshwao la ntlha mo sekoleng seo ka ngwaga wa 1998. Fa a amogela baeng, mogokgo wa sekole seo, Mme Gagontapise Modibedi o boletse fa sekole seo se na le baithuti ba le makgolo mabedi le masome a mane. A re sekole seo se dira sentle le fa go ise go tle mo seemong se se kgotsofatsang, a tlatsa ka go re ba kgona ka ntlha ya tshwaragano ya batsadi le barutabana. BOKHUTLO education 4 Mapodisi a tlhotlhomisa banna ba le bararo Mapodisi a Werda kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa a tshegeditse banna ba le bararo mabapi le go fitlhelwa ka matlalo a go belaesegang e le a mangau le setlhatshana se go belaesegang e le motokwane. Mookamela mapodisi a Werda, Superintendent Mompoloki Ramatsia, o tlhalositse fa mapodisi a ne a tshwara banna bao ba ba neng ba tsamaya ka koloi ya modiro wa Honda Filt mo tseleng ya Draaihoek /Kisa morago ga go longwa tsebe ke bangwe. Superintendent Ramatsia o supile fa banna bao ba ba leng bararo ka palo, mongwe wa bone e le morutabana fa ba babedi ba tlholega kwa Makopong. Mookamela mapodisi a Werda o boletse fa e ne ya re mo go phuruphutsheng ga mapodisi ba fitlhela matlalo a mabedi a go belaesegang e le a mangau mo koloing e ba neng ba tsamaya ka yone le mophutwalana wa setlhatshana sengwe se se tala se go belaesegang e le motokwane kwa ntlung ya yo mongwe wa bone. Superintendent Ramatsia o tlhomamisitse fa mo nakong ya gompieno ba isitse matlalo ao le setlhatshana seo kwa baitsanapeng go a tlhatlhoba. Rre Ramatsia o kaile fa ba sa ntse ba tshegeditse banna bao ba dingwaga tse di magareng ga masome a mararo le bobedi le masome a mararo le bosupa go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le tiragalo eo . crime_law_and_justice 1 Tsela e ketefaletsa badiri botshelo Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Goshwe mo kgaolong potlana ya Tutume, Rre Molebi Rebobonye, o lekodisitse Tona wa Lephata la Dipalamo le Ditlhaeletsano, Rre Nonofo Molefhi ka ditlamorago tsa seemo sa tsela ya Goshwe/Tutume. Rre Rebobonye o buile seo mo phuthegong ya kgotla ka Mosupologo e e neng e buiswa ke Tona Molefhi. Rre Rebobonye a re bontsi jwa bodiredi ga bo batle go berekela mo motseng, ka lebaka la tsela, ba lebile gore go thata go isa bana ba bone kwa dikoleng, go ya dibankeng, marekisetsong le go bona ditlamelo tse dingwe tse di botlhokwa kwa Tutume. A re se se baka gore go nne le diphatlha mo dikoleng tse di tsayang lebaka go thijwa, mme go feletse go thaphiwa barutabana ba nakwana, a tlatsa ka gore seo se ama maduo a baithuti. Rre Rebobonye a re ba itemogetse matshwenyego le go ikgogela morago ga bangwe ba ba rekisetsang makalana mangwe a puso dithoto, ka dikoloi tsa bone di senyega kgapetsa kgapetsa ntateng ya seemo sa tsela. O tsweletse a re maiteko a go tshwara diphuthego mo makalaneng a puso a a tshwanang le kgotla, dikole le a mangwe, ga a tswe maduo ka lebaka la gore batho ga ba di tsenelele ka bontsi, a tlatsa ka gore bangwe ba tla thari ba diilwe ke yone tsela eo. A re maiteko a puso a gore ba ka thusana ka ditsompelo ga a ba thuse ka sepe ba lebeletse bese ya kgaolo ya Tutume, ka gore e thusa dikole tse di mo metseng e e nang le sekontere fela, ka jalo bathuti le bodiredi jwa Goshwe bo beilwe ka fa mosing ke lebaka leo. O boletse gape fa koloi ya balwetsi e senyegile, ka jalo go dirisiwa koloi e e bulegileng. A re se se ngomolang pelo le go feta ke fa go tla nako ya balwetsi go tswa mo kokelong ya Goshwe go ya sepateleng sa Tutume. Fa a araba matshwenyego a bone, tona Molefhi o ba solofeditse gore o tla tokafatsa tsela ya bone ka go nna a e gopa, a lebile gone gore ga e na go tshelwa sekonotere go fitlhelela seemo sa itsholelo se tokafafa. A re lephata la gagwe le wetswe ke seru ka bontsi jwa ditsela mo lefatsheng leno di le mo seemong se se sa jeseng diwelang. A re seo se bakilwe ke dipula tse di neleng ka mashetla, a tlatsa ka gore mo nakong e e sa fediseng pelo o tla ba agela dikholobete gore botshelo bo tswelele. Rre Molefhi a re mo nakong ya gompeino puso ga e a ikemisetsa go dira ditsela tse disha fa e se fela go baakanya tse di senyegileng. ona Molefhi a re o tla kopa puso gore lephata la gagwe le ikemele ka nosi ga mmogo le go oketsa lekgetho la leokwane. A re se ke sone fela se se ka mo thusang go dira ditsela tsotlhe tse di mo Botswana. A re fa puso e ka mo dumelela o ka kgona go adima madi kwa dibankeng mme a tla a nna a duela ka lekgetlho mme ka fa ntse a tsweletse ka go dira ditsela. Bokhutlo politics 7 Bolwetse jwa mabele bo babalela mmaraka Mogolwane mo lephateng la matlhoko a loruo, Rre Tumiso Siwela a re bolwetse jwa mabele bo babalela mmaraka wa nama. A re bolwetse jo bo digela mmaraka wa nama kwa tlase, ka jalo a kopa gore bo tsibogelwe. Rre Siwela o buile se le banni ba Mokgomane bosheng mo phuthegong ya kgotla e ba neng ba e biditse go tsibosa barui ka bodiphatsa jwa bolwetse jo. A re bolwetse jo bo ama motho le kgomo mme a ba kopa gore ba leke go tla ka tharabololo ya go bo fedisa. A re mo kgomong bo iphitlha mo dikarolong tse di berekang thata di tshwana le ditlhaa, magetla le mo diropeng. “Kgomo e e nang le mabele mo nameng ga o kake wa e lemoga, e gola fela e phatsima go fitlhela e e swa ke gone bolwetse jo bo mo nameng bo bonale,” a tlhalosa. Mo mothong bo nna mo maleng e le seboko. A re seboko se se boleele jwa dimmithara di supa le go feta mme se na le dikarolwana tse di fetang sekete. Rre Siwela a re fa motho a ithoma, karolo e ya kgaoga e bo e tswa, mme fa kgomo e kopana le leswe leo, bolwetse bo tsene mo go yone. A re mo phulong mae ao a nna malatsi a ka tshwara lekgolo, masome a matlhano le boferabongwe a ise a swe fa kwa metsing a tsaya malatsi a le masome a marataro le boferabongwe a santse a tshela. A re bontsi jwa batho ba ja nama e e nang le bolwetse mme bo gole mo teng ga bone. O kopile banni gore ba seka ba itlhoma mo nageng ka gore go dira jalo go gakatsa bolwetse jwa mabele. A re ba ikopanye ba age matlwana a boitiketso bogolo kwa didibeng kana fa matamong gore badisa ba nne le fa ba itlhomang teng go na le go itlhoma fa loruo lo fulang teng. O rotloeditse barui go nna le mowa wa tshwaragano, a re fa ba ka tshwaragana, ba rerisana, ba ka kgona go lwantsha le go fenya bolwetse jwa mabele mo nameng. Mo go tse dingwe, Rre Siwela o kopile banni go dira dikarata tse di ba supang fa ba ruile, a re mo nakong e e atamelang go tlaa bo go se ope yo o ka kgonang go reka melemo ya loruo a sena karata eo. O kopile gape barui gore ba seka ba kokotletsa dikgomo ba sa di rwese manyena ka gore fa ba ka di kokotletsa a ka tloga a ba palela go a reka. Rre Siwela a re ga ba rwesetse morui ope manyena fela ba rutuntsha gore a tsenngwa jang gore morui mongwe le mongwe a itsenyetse. Mongwe wa banni, Rre Piet Gadiutlwe o ne a leboga Rre Siwela le lekoko la gagwe, mme a mo kopa gore a gatelele ntlha ya gore kgomo fa e fitlhelwa ka mabele mo nameng e a tshujwa. economy_business_and_finance 3 Ntebele ke go lebele e botlhokwa Ramapodisi wa kgaolo potlana ya Tutume, Superintendent Jerry Halahala, o rotloeditse mowa wa tirisano mmogo ka go dirisa lenaneo la ntebele ke go lebele, segolo bogolo mo badirela pusong. O buile seo mo potsolotsong, a tlhalosa gore go ne ga thujwa matlo a le mabedi a badirela-puso ka malatsi a paseka, ga ba ga utswiwa dithelebishine di le pedi. A re, ga ba ise ba tshwarwe ope mabapi le ditiragalo tseo, mme ba santse ba le mo ditlhotlhomisong. Mo dikgannyeng tse dingwe a re ga ba a ka ba gatisa dikgang tsa dipolaano le tsa dikotsi tsa tsela. Rre Halahala o akgotse Batswana go nna le boitshwaro jo bontle joo, a re ba tswelela ka go godisa mowa o montle oo. O kopile setshaba go tshwaya dilwana tsa bone ka sengwe se batla a kgonang go se supa fa se utswilwe. A re, ntebele ke go lebele ke yone tsela fela e e ka thusang, bogolo jang mo badirela-pusong ka ba itse gore fa ba tsaya loeto kana ba ya malatsing a boitapoloso, ga go na ope yo o tlhokomelang matlo a bone. Rre Halahala a re , go thapa badisa-dikago ba nakwana, le gone go ka thusa fela thata kana go kopa mongwe go sala le ntlo ka nako ya fa mong a seo. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Makhansalara a ikana go tlhabolola Bobirwa Makhanselara a kgaolo potlana ya Bobirwa a re a tla a leka ka tsotlhe tse ba ka di kgonang go tsisa ditlhabololo kwa kgaolong ya Bobirwa. Fa a bula phuthego ya khansele ya Bobirwa kwa Bobonong bosheng, modulasetilo wa khansele, Rre Nathaniel Moribame e bile e le mokhanselara wa kgaolo ya Molalatau a re ba tsile go itebaganya thata le dikhutsana, batlhoki le bana ba ba tlhokang go thusiwa ka mananeo ka go farologana. O supile fa balwetse bangwe ba setse ba amogetse matloa a a sireletsang monang mme e bile lephata la boipelego le setse le ntshitse dithuso tsa mananeo di le lekgolo le masome a mabedi le bongwe di akaretsa madirelo a apayang borotho, a dijo a le lesome le boferabobedi, a moriri a lesome le borataro, a go roka a le masome a mane le bongwe fa a go tlhatswa a le mane fela. Mo mananeong a le masome a mararo le bongwe a a fedileng a le masome a supa a mo tseleng ya go ka fediwa. Rre Moribame a re lephata la banana, metshameko le ngwao le thusitse banana ba le 167 mo kgaolong ya bone. O tsweletse a tlhalosa fa mo kgaolong ya Bobirwa banana ba Tirelo Setshaba ba le 463 mme fa a itebaganya le Ipelegeng gone a tlhalosa fa maikaelelo ele go dira mananeo a farologaneng a le 92 mo kgaolong ya Bobirwa a itebagantse le ditlhabololo. Makhanselara mangwe ba kopile gore maina a ditsela a nne le boleng eseng gore ditsela di bidiwe fela go sa lebiwa sepe. Bangwe ba boletse fa ba tshwentswe ke letlhoko la metsi le sepalamo mo dikokelwaneng tsa Gobojango, Semolale le Mabolwe fa kwa Motlhabaneng gone ba lela ka seemo sa tsela se ba reng se jesetsa morafe mo kgobedung. Mogolwane wa MVA kwa Francistown Rre Keitumetse Nkala a re ba lemogile gore go isa ditlamelo kwa bathong le go ba ruta ka ipabalelo tseleng go botlhokwa mme e bile ke bontlha bongwe jwa go somarela matshelo a setsha kakaretso, a supa gore e tla a re mo bo gaufing ba tshware thuto puisano kwa Bobonong. Mme Dikeledi Bolowe yo eleng mogolwane wa SHHA ene o tlhalositse fa kompone eo e simologile ka 1970 kwa ditoropong ka go adima setshaba P20 000 mme morago ya tsena kwa metseng selegae ka maikaelelo a gore mongwe le mongwe a nne le bonno. O tlhalositse fa ba kopana le kgwetlho ya go sa buseng madi ga batho ba ba a adimileng go aga ditsha tsa bone. A re le ntswa ba ne ba supile fa ba na le leruo le ba tla a duelang ka lone ba bolela fa leruo la bone le bolailwe ke mopalo. BOKHUTLO politics 7 Moruti o itumelela seabe sa banana Banana ba kereke ya Evangelical Religious Protestant Unity Church ba akgoletswe seabe sa bone sa go simolodisa kago ya kereke eo kwa motsing wa Mabutsane. Kgothatso eo e dirilwe ke moeteledipele wa kereke eo Arch Bishop Tshenolo Mautle kwa pulong semmuso ya kereke eo kwa Mabutsane ka mafelo a beke. A re kago ya kereke eo kwa Mabutsane e simologile ka ngwaga wa 1994 e simololwa ke lekgotla la banana ba epa mosele selo se a se lebogetseng fela thata, a re e rile morago ga tiro eo ba sekete (branch) ya Mabutsane ba tsweledisa tiro ya kago, e a boletseng fa e tsere lobaka lo lo leele mme kwa bofelong ya wela, ya nna mo seemong sa go ka bulwa semmuso jaaka go diragetse. Archbishop Mautle o boletse fa kago ya kereke eo e lopile madi a a ka tshwarang P250 000, ka gore bontsi jwa tiro bo dirilwe ka boithaopo. Mo go tse dingwe o tlhalositse fa kereke ya Unity e simologile mono Botswana ka ngwaga wa 1959 a re mosimolodi wa yone e ne e le St Archbishop Kenaleeng Katjipaha yo o sa tlholeng a le teng mo botshelong, a tlhalosa fa e na le makalana mono Botswana, Afrika Borwa le Namibia. A re ke kereke e e dirileng molaomotheo o o tlhabolotsweng ka ngwaga wa 1999, mo godimo ga moo e na le dikomiti tse di farologanyeng go tsweledisa le go godisa leina la dikereke tse dingwe tsa yone go dirisiwa lekgotla le le tsamaisang kereke komiti ya ditlhabololo, ya banana le tse dingwe. Archbishop a re e re ntswa kereke eo e simologile go sena dikago tsa borapelelo tsa sennelaruri, ka go ne go dirisiwa maobo, mo nakong eno go a itumedisa go bona dikago di ema ka dinao, ebile kereke ya Mabutsane e le ya boraro go bulwa semmuso a re seo ke sesupo sa gore ditlhabololo di tsweletse pele. O tlhalositse gore mo motsing wa Mabutsane kereke ya Unity e simologile ka ngwaga wa 1963 moeteledipele wa yone e le moruti Mongwaketse Thuku a tloga a tlhatlosiwa maemo go nna mookamedi, mme mo nakong eno e leng Bishop, fa maemo a bookamedi a ntse a tshegeditswe ke moruti Kabunyane Thuku yo o tlhokafetseng bosheng. Erile mookamedi wa kereke eo mo kgaolong ya Ghanzi, moruti Goemeone Mothibi a ntsha lefoko la kgothatso, a kopa maloko a kereke eo go nna batho ba ba itshepileng gore mowa wa lorato o bonale mo go bone, a gatelela ka gore kereke ke lefelo le le boitshepo, mme botlhe ba ba tlang teng ba tlaa segofala fa ba rapela ka tlhwaafalo. Mookamedi Mothibi o kgothaditse maloko a kereke eo go tswelela ka mowa wa boithaopo, ka boithaopo bo le mosola thata mo ditlhabololong le ditiro tsa kereke ka bophara. Modulasetilo wa khansele ya borwa Rre Mephato Reatile le mokhanselara wa Mabutsane/Kanaku Rre Ernest Pule ba ne ba tsene tiro eo. Rre Reatile o ne a abela kereke mpho ya kgomo, podi le nku fa mokhanselara Pule ene go boletswe a ne a ntshitse P500 go le pele go rotloetsa tiro eo. Rre Reatile o ne a kgothatsa maloko a kereke eo go tshwara ka thata mo tumelong go etsa mosimolodi wa yone yo a neng a sa kgatlhegele dikhumo tsa lefatshe fa e se go dira thomo ya Modimo. religion_and_belief 8 E.R.P unity e rera lorato le tlotlano Mokwaledi mogolo wa E.R.P Unity Church moruti Tshwaro Morobisi o kgothaditse balatedi ba kereke eo go jwala mowa wa lorato le tlotlano mo kerekeng ya bone a re seo ke sone se ka agang bokamoso jwa kereke le go e godisa, a re gape seo e tlaa bo e le go supa gore ke barata kagiso. A re gape go botlhokwa gore ba tshele ka go rwadisanya merwalo, a fa sekai ka temana nngwe mo baebeleng mo lokwalong lwa ga Johane e e buang ka lorato. Moruti Morobisi o buile jalo fa a ntsha pego ya mokwaledi mogolo mo bokopanong jwa kereke eo kwa Toropong ya Ghanzi bosheng. Moruti a re fa go na le lorato fa gare ga bone go ka ba thusa go gakololana go sena poifo, a gatelela ka gore lefoko kagiso le raya batho ba dira mmogo ka bongwefela jwa pelo ebile le supa tlotlano mo ditsong tsotlhe tsa merafe. Moruti Morobisi o tlhalositse gore moono wa bokopano joo o rotloetsa balatedi ba kereke ya Unity go tshela mmogo ka lorato go sena kgethololo. O tlhalositse fa maikaelelo a go nna teng ga komiti kgolo e le go tsamaisa, go supetsa, go tlhokomela ditlhabololo tsa dikago le go tlhokomela kereke ya E.R.P Unity ka bophara. O tlhalositse gape fa e le tshwanelo ya komiti kgolo go direla maloko a kereke dithuto-puisanyo, go isa dipego kwa go ba kwadiso ya dikereke le mekgatlho ngwaga le ngwaga, go rotloetsa diphuthego go baya madi kwa di polokelong, go tlhatlhoba dibuka tsa kereke le tse dingwe. Fa a ama tse komiti kgolo e di kgonneng mokwaledi–mogolo o boletse fa ba ne ba tshwara thuto-puisanyo e e itebagantseng le go tshwara madi le tse dingwe, o tlhalositse le gore ba lekalana la Kanye ba simolodisitse kago ya ntlo kgolo e go solofetsweng e tlaa lopa didikadike tse pedi tsa dipula a re mme ntlo e kgologolo ya borapelelo ga e a amega ka gope, o kopa diphuthego tsotlhe tsa kereke eo go tsenya letsogo mo kagong ya ntlo kgolo. Moruti Morobisi o tsweletse a kopa lekgotla la bomme le banana go itsosa ka go lebega a le bokoa, a re seemo seo se a tshwenya ka gore kereke e ka tsaya dikgakololo tse di ka godisang kereke mo bananeng fa bomme bone e le pinagare ya kereke. O lebogile komiti kgolo ya ditlhabololo a re e ipapanne sentle ka maloko a yone, a re sebe sa phiri ke gore ga e ntshe megopolo e mesha. Fa a rola pego ya gagwe modulasetilo wa komiti kgolo ya kereke moruti Judge Molemele le ene a kopa baphuthegi go ema nokeng ba lekalana la Kanye go kgontsha kago ya ntlo kgolo go ema ka dinao, o ne a rotloetsa komiti ya bomme, banana le ya ditlhabololo go kopana go buisanya ka bokamoso jwa kereke ya bone. religion_and_belief 8 Ba kgatlhanong le leina le lesha la kgaolo Batho ba kgaolo ya Tswapong Borwa ba re ga ba itumelele tshwetso e e tserweng ya go fetola leina la kgaolo ya bone go nna Sefhare/Ramokgonami ba sa rerisiwa. Ba buile jalo mo diphuthegong tsa dikgotla mo metseng ya bone di tsentswe ke komiti e e sekasekang kgaoganyo ya melelwane ya botlhophi ya bokhanselara bosheng. Ba re leina le lesha le rotloetsa dikgogakgogano le lenyatso mo metseng e mengwe. Rre Seduke Letsatsi wa Ramokgonami a re phetogo e ya leina e ba gakgamaditse fela thata go nne ga ba itse gore le ne le fetolwa go lebilwe eng. A re le ka nako ya fa lekoko le le neng le sega melelwane ya dikgaolo tsa bopalamente le tshwere phuthego kwa Sefhare ngwaga o o fetileng, le ne la bua fela ka go oketsa kgaolo mme ga le aka la bua sepe ka leina la kgaolo. A re leina la Tswapong Borwa le siame thata ka le supa kakaretso mo morafeng, a tlatsa ka gore ga go ope yo o kileng a supa fa a na le ngongora ya gore le a mo tlhaola. Rre Kesitegile Gobotswang wa Sefhare a re ga ba amogele leina le lesha ka gore le ka senya maiteko otlhe a tekatekanyo ya semorafe. A re leina la Sefhare/Ramokgonami le rotloetsa kgetlhololo mo go babangwe ba metse ya bone e sa bidiweng mo leineng mme ba tswa mo kgaolong. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti eo Mme Bontle Marumola o boletse gore ka tshwanelo lekoko le le neng le tlhomilwe go sega melelwane ya dikgaolo tsa bopalamentele le tshwanetse la bo le ne le kile la dumalana le morafe ka kgang ya phetolo ya maina a dikgaolo. Mme Marumola a re tshwetso e, e tserwe go lebilwe gore Batswana ka kakaretso ba ne ba ngongorega thata ba re dikgaolo tse di bidiwang ka merafe di rotloetsa kgethololo mo merafeng e mengwe ka gore ga se gore batho botlhe ba ba fitlhelwang mo kgaolong e e rileng ke ba morafe o kgaolo e biditsweng ka one. society 9 Kitso ya thuso ya potlako konokono Mogolwane mo lephateng la metsi (water affairs) Rre Ngaparelang Makwete, o kaile fa dithuto tse di amang thuso ya potlako ga mmogo le tshireletsego ya melelo mo lephateng le le dirang ka dikhemikhale e bile le tshabelelwa ke dikotsi jaaka la phatlalatso ya metsi di le botlhokwa fela thata. O buile se mo thuto-seka dipuisanong e e neng e tshegeditswe ke lephata leo mo Mahalapye bosheng ka maikaelelo a go rutuntsha badiri ka thuso ya ntlha ya potlako le itshireletso kgatlhanong le melelo. Rre Makwete a re gore ba tshware dithuto tsa mothale o ba gwetlhilwe ke diemo tse ba fitlhelang bangwe ba badiri ba bone ba direla mo go tsone tse di amang pabalesego ya bone, ka go le gantsi ba tlhagelwa ke dikotsi tse di tlhokang go ka potlakelwa mme ka go tlhoka bone boitseanape ja go neela thuso ya ntlha ba bee fela mo go ba bongaka. A re dikotsi tse badiri ba lephata ba kopanang natso di akaretsa go gatlhamelwa ke dikhemikhale gammogo le go longwa ke dinoga.Ka jalo o boletse fa a itumeletse dithuto tse fela thata ka a re di ya go dira pharologanyo e tona mo bodireding ja bone. Rre Makwete a re gape ba tlaa simolola go itse tiriso le tlhokomelo ya ditimamolelo tse ba ntseng ba na le tsone mo lephateng ntswa ba sa itse tiriso ya tsone, gammogo le go ruta badiri gore ba tshwanese go tsiboga jang fa go na le molelo o o shang mo dikantorong. O tlhalositse fa e ya gore morago ga dithuto ba ye go itlhamela komiti e e itebagantseng le dithuso tsa potlako ba itebagantse le melelo.A re ba tsile go ikgolaganya thata le lephata la melelo fa bothata bo tlhagogile, a re se setona e le go ela tlhoko gore lephata le nna le le malalaalaotswe ka dinako tsotlhe. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Mokgatlho o abetse kgaolo ya Takatokwane dikobo Mokgatlho wa Mowa Montle kwa sekoleng se segolwane sa Maruapula kwa Gaborone o abetse banni ba kgaolo ya Takatokwane dikobo di le lekgolo le masome a matlhano le diaparo tsa mariga. Kgosi Bagodi Phihadu wa kgotlana ya Tlhaping kwa Ditshegwane, o supile fa ba tlhola ba bona dimpho di abiwa kwa dikgaolong tse dingwe mme ba eletsa fa batho ba ka bona se mokgatlho o se dirileng kwa kgaolong ya bone. Mongwe wa batlhami ba mokgatlho, Rre Ayaan Chand, o supile fa maikaelelo a mokgatlho e le go tokafatsa matshelo a Batswana. A re ba rekile dikobo le diaparo tsa mariga tse di lopileng go feta P20 000. Mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Friction Leuwe, o ne a amogela dimpho ka boitumelo. A re mokgatlho o abile ka mowa o montle wa kutlwelobotlhoko. O ba kopile go tswelela ka go thusa, a tlhalosa fa banni ba tlhoka diaparo tsa mofuta oo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Kebonang Kelebang, a re ba ikaelela go rotloetsa baithuti ba sekole se sebotlana sa Ditshegwane ka go ba abela dimpho, go ba rotloetsa go tokafatsa maduo a sekole. Rre Kelebang a re ba eletsa gore ka 2024, maduo a sekole a bo a itumedisa fa mokhanselara wa kgaolo ya Ditshegwane/ Maboane, Rre Tsabahule Kgotlhang a tlhalositse fa kgaolo e amilwe thata ke lehuma mme e tlhoka thuso. society 9 Kgwebo e batla maano a motia Pele ga motho a tsena mo kgwebong o tshwanetse go ipotsa gore o tsenela eng, a go na le kwa a ka rekisang dilwana tsa gagwe teng le go ipaakanyetsa dikgwetlho tsa yone. Go boletse jalo mogolwane go tswa kwa lephateng la OSET, Mme Kealeboga Kopelang, jaaka a ne a bua le batho ba ba thusiwang ka lenaneo la batlhoki, kwa thuto-puisanong ya malatsi a mabedi bosheng. Mme Kopelang o ba tlhaloseditse gore, go botlhokwa gore fa ba tsena mo kgwebong ba bo ba na le kitso le boitseanape ja kgwebo e ba tsenang mo go yone. O ba gakolotse gape gore ba nne le kitso ya go tshwara bareki sentle, kitso ya go tshwara madi, ya go bereka ba le setlhopha le kitso ya gore kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho. Mme Kopelang o ba tlhaloseditse gape gore, madi a ba simololang kgwebo ka one, a tshwanetse go fetwa ke a a tsenang mo kgwebong, go supa gore ba dira dipoelo. O boletse gore maikaelelo a ba tsenang mo go one a ka ba direla maduo, mme ba nne le kitso ya gore kgwebo ga e tsise maduo ka bofefo gape e tlhoka boitshoko. Mogolwane go tswa kwa lephateng le Rre Olekantse Lota, o ba kopile go dira diteseletso pele ga ba simolola go gweba. O ba tlhaloseditse gore fa ba bereka ba le setlhopha, ba tshwanetse go kwadisa kompone, ba bo ba dire le yone teseletso. Mogolwane go tswa kwa lephateng la boipelego Rre Kgomotso Jongman, o ne a ba tlhalosetsa gore go botlhokwa gore fa ba le setlhopha, ba betle tsela le go ipeela gore ba ka intsha jang mo lehumeng. A re go botlhokwa gore ba okwe ke sengwe mo setlhopheng le go bona gore a maikaelelo a bone ba le setlhopha a a tsamaisana. Rre Jongman a re mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le se a se dirang mo setlhopheng, mme setlhopha se tshwanetse go sekaseka tiro ya sone gore e tsamaile jang, gore ba tle ba baakanye tse di sa tsamaeng sentle. A re setlhopha se se dirisanang, se na le kgonagalo ya go atlega, mme fa ba se na maikaelelo a le mangwefela, go ya go nna motlhofo gore se phutlhame. economy_business_and_finance 3 ‘A dipuisano di supiwe’ Banni ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba kopa gore dipuisano tsa palamente di gasiwe ka tlhamalalo mo thelebisheneng ya Botswana. Ba ne ba akgela mo phuthegong ya kgotla ya go isa palamente kwa bathong, e e neng e tshwerwe ke motsamaisa dipuisano tsa palamente, Mme Gladys Kokorwe kwa Masunga kgwedi eno e le malatsi a supa. Ba re nako e gorogile gore thelebishene e gase dipuisano tsa palamente, gore ba utlwe dintlha tsotlhe tse mapalamente a buisanang ka tsone. Kgosi Maruje III wa Masunga ene o ne a supa fa go le botlhokwa gore dipuisano tsa palamente di gasiwe mo thelebishineng go fa batho sebaka sa go bona gore puso ya batho ka batho e diragadiwa jang mmogo le ka fa palamente e tsamaisiwang ka teng. A re go supa dipuisano tseo mo thelebishineng, go tlaa thusa gape lefatshe leno go tsweledisa maikaelelo a lone a go rotloetsa letshego lasetshaba se se rutegileng se na le kitso. Kgosi a re o eletsa go bona palamente e ikemetse ka nosi, e na le ditsompelo tsotlhe tse di tshwanetseng, a tlatsa gape ka gore le lekalana la yone la ditlhotlhomiso, e tshwanetse ya nna le le tiileng go leka go thusa lefatshe go gatela pele. Kgosi Maruje III a re nako e fitlhile ya gore lefatshe leno le nne le diromamowa tsa dikgaolo (community radio stations), a re di ka thusa go aga lefatshe leno. Mongwe wa banni, Rre Benjamin Bagayi o ne a kopa puso go aga diofisi tsa palamente mo dikgaolong, go na le gore go bo go ikaegilwe ka go hirisa matlo a beng, a re go dira jalo go ka tlotlomatsa seriti sa palamente. Rre Bagayi a re o lemogile fa badiri ba diofisi tsa mapalamente ba sa nke ba rolelana diofisi semmuso fa ba tswa go tsena ba bangwe, a re mme go dira jalo go botlhokwa go direla gore ba ba tsenang ba kgone go itse ka dikgang tse di leng teng mo ofising gore ba di tsweledise. Rre Robert Morupisi ene o ne a kopa gore palamente e tsenye leitlho le le tseneletseng mo maphateng a e ya reng a kopile madi go diragatsa ditiro tsa maphata, e re phelelong a buse madi a sa dirisiwa, a re o ipotsa gore a tiro e ya bo e dirilwe kgotsa jang. Banni ba kgaolo ya botlhophi ya Tati Botlhaba, e le yone e welang ka fa tlase ga Bokone Botlhaba, bone ba ne ba kopa gore diphuthego tsa go tshwana le eo, di ne di tshwarelwa le kwa kgaolong ya bone, go na le gore ba ye go di tsenela kwa Masunga. Le fa go ntse jalo, banni ba Bokone Botlhaba ba ne ba leboga Mme Kokorwe go bo a bone go tshwanela gore a iphe matsapa a go isa palamente kwa bathong. E ne ya re fa a tlhatlhelela banni ka tiro ya palamente le ka fa e tsamaisiwang ka teng, Mme Kokorwe a tlhalosa fa e le go buisana le go diragatsa melao e go bonwang e siametse lefatshe leno. A re e re ka jaana ba lemoga botlhokwa jwa gore dipuisano tsa palamente di gasiwe ka tlhamalalo mo thelebishining, sebe sa phiri ke go bo thulaganyo ya go dira jalo e lopa madi a a seng kana ka sepe. Mme Kokorwe o ne a tlhalosetsa banni fa boikarabelo jwa gagwe e le go tsamaisa dipuisano tsa palamente, a dira jalo a setse morago molao motheo wa lefatshe leno, e bile a tsaya mapalamente ka tekatekano go netefatsa gore go nna le thitibalo mo palamenteng. A re o itumedisiwa ke go bo mapalamente a mono, le fa ba ka tswa ba farologana ka megopolo e bile ba ngangisana ka dilo dingwe, fela ba supa mowa wa setho le wa go tlotlana. Fa a itebaganya le tiro ya mapalamente, Mme Kokorwe o ne a supa fa mo godimo ga dipuisano tsa palamente, palamente e bereka le ka dikomiti ka go farologana tse mapalamente mangwe a tlhophiwang go tsena mo go tsone di feta bobedi. A re ka jalo go ka diragala gore mopalamente a seka a lekola batlhophi gangwe le gape jaaka ba solofetse, ka moo a gwetlha banni go dirisa diofisi tsa palamente tse di mo dikgaolo tsa bone go isa dikgang teng mo boseyong jwa mopalamente. Mme Kokorwe o ne a bo a gakolola banni go itse fa badiredi ba diofisi tsa mapalamente e le badirelapuso, ba ba tshwanetseng go dira tiro ya bone ba beetse kwa tlhoko sepolotiki. La fa go ntse jalo, o ne a supa fa mongwe le mongwe a gololesegile go tsena mo palamenteng go ya go reetsa dipuisano tsa mapalamente.BOKHUTLO politics 7 Moleofhe o ema Kgoroba nokeng Ntlhopheng yo o ikemetseng kwa Mogoditshane, Rre Richard Moleofhe, a re o tsere tshwetso ya go boela morago maitlamo a gagwe a go emela bontlhopheng jwa bopalamete jwa kgaolo ya Mogoditshane, go ema nokeng ntlhopheng wa Umbrella for Democratic Change, Rre Sedirwa Kgoroba. Rre Moleofhe o tlhalositse tshwetso ya gagwe mo phuthegong ya sepolitiki ya go rolela batlhophi ba kgaolo ya Mogoditshane ntlhopheng wa bopalamenete, Rre Kgoroba le bontlhopheng ba bokhanselara ba ferabobedi. Rre Moleofhe a re o boela morago tshwetso ya gagwe, morago ga go tsena phitlho ya moeteledipele wa pele wa BMD, Rre Gomolemo Motswaledi, koo a ileng a lemoga fa seemo sa polotiki ya Botswana se tlhoka tshwaragano ya diphathi tsa kganetso, ka jalo a solofetsa fa a tlaa dira gotlhe mo a ka go kgonang go ema nokeng phathi ya UDC mo kgaolong eo go fitlhelela phenyo. A re batlhophi ba kgaolo eo ba tshwanetse ba mo tsaya e le motho yo o nyoretsweng seemo se se tlhwaafetseng sa diphetogo tsa dipolotiki eseng maemo, a supa fa seo se tlhomamisiwa ke kgato ya go tlogela maemo a bosole a ne a sa ntse a ka bereka. A re jaanong o intshitse setlhabelo go tlhoafalela diphetogo tsa botshelo jwa sepolotiki. Le fa go ntse jalo, Rre Moleofe o tlhomamisitse fa a sa ntse a na le maikaelelo a go emela ditlhopho e le mokoko mo nngweng ya dikgaolwana tsa bokhanselara tsa kgaolo ya Mogoditshane. E rile a rola semmuso Rre Kgoroba le makhanselara a gagwe, moeteledipele wa UDC, Rre Duma Boko, a laela batho ba kgaolo ya Mogoditshane gore tshwetso ya go tlhomamisa gore Rre Kgoroba o fenya kgaolo e saletse bone. A re moeteledipele wa BMD wa pele, Rre Motswaledi, o weditse tiro ya gagwe ka go sega tema mme jaanong go saletse batlhophi go netefatsa gore ba fitlhelela se moeteledipele yoo a se simolotseng. Ntlhopheng wa kgaolo ya Borolong, Rre James Mathokgwane, o boleletse batlhophi fa BDP e sa tlhole e na le dikgang dipe tse e ka tsietsang ka tsone, mme a ba kopa go amogela diphetogo tsa UDC. Bokhutlo politics 7 Dikole tsa Okavango di gapa dikgele Baithuti ba dikole tsa kgaolo ya Okavango ba ne ba tsabakela kwa moletlong wa kabo dimpho wa bao ba ba dirileng sentle mo dithutong tsa bone. Moithuti wa sekole se segolwane sa Shakawe Senior Secondary, Mme Pekenene Omogolo go tswa kwa Shakawe region one a tlhophiwa yo o gaisitseng baithuti botlhe ba lokwalo lwa botlhano (BGCSE) mme one a fiwa trophy le P3 000. Ba ba fitlheletseng maemo a lesome a kwa godimo ba ne ba tswa kwa Maun Senior Secondary fa Mme Omogolo e ne ya nna sekgwantshwane fela kwa Shakawe. Bafenyi botlhe ba ne ba ikgapela dikopi le madi fa dikole le tsone gammogo le barutabana ba ne ba lebogelwa maiteko a bone ka ditlankana. Fa a bua kwa moletlong oo, Kgosi Leretetse Mogalakwe o rotloeditse baithuti go tswelela ba dira ka natla a tlatsa ka gore thuto ke konokono mo botshelong. “Thuto ga e lebele gore o ngwana wa ga mang, o tswa mo lelwapeng la bahumi kana bahumanegi, yone e batla moithuti yo o iketeileng sehuba a bereka ka botswapelo le bonatla,” a tlatsa jalo. education 4 Go lwantsha motlho ka botlhole go mosola Balemi ba masimo a Mmamagano gaufi le Monwane ba kgothaditswe go tshela masimo a bone tshefi ya motlho ka e kgona go o nyeletsa gotlhelele. E rile a bua kwa masimong ao, modulasetilo wa komiti ya balemi, Rre Tlotlo Nnini, o ne a supa fa balemi ba masimo a Mmamagano le Matshwi ba na le kgwetlho ya motlho o o tlogedisitseng ba le bantsi temo. Ka jalo o ne a supa fa ba ne ba ikopanya morago ga go utlwa fa puso e na le lenaneo la go rekela balemi molemo oo, mme jaanong balemi bone ba na le boikarabelo jwa go ipatlela terekere e e ba tshelelang tshefi. Mme Goitseone Sedumedi yo go neng go phuthaganetswe kwa tshimong ya gagwe go bona maduo a tshefi o supile fa a ne a setse a kgobega marapo ka a ne a lema dijalo di tswa sentle, mme morago di hube, a bo a felela a sa tswe ka sepe. O tlhalositse fa e rile a utlwa ka tshefi a kgothala go e lekeletsa, a supa fa ba ne ba koleka go iphirela raterekere, mme gompieno motlho o fedile mo tshimong ya gagwe e bile a solofetse thobo e e nametsang. Mogolwane go tswa kwa ofising ya twantsho diji le mhero, Rre Kabelo Moaisi o ne a tlhalosa fa tshefi e e bolayang motlho e na le bokgoni jwa go bolaya mhero otlhe mo masimo, mme e sa kgoreletse dijalo ka gope. O tlhalositse fa motlho o peitiwa o santse o le motala, ka jaana o oswa sentle fa o le motala. O tlhalositse fa puso e efa balemi tshefi ya go lwantsha mhero go akarediwa le motlho, a bo a supa fa balemi ba ka ikopanya ba le masome a mabedi go ya go ba le masome a mararo, mme fa ba sena go fiwa tshefi, ba tshwanetse go ipatlela terekere e e tlaa ba gasetsang tshefi, a supa fa balemi ba ituelelang. O kopile balemi go ikopanya le balemisi go ba tlhalosetsa ka melemo e e bolayang mhero. Rre Moaisi o tlhalositse fa tshefi e tshwanetse go bewa sentle mo ntlong e e lotlelwang, mo godimo ga lepolanka gape e seka ya seegwa ka sepe. O tlhalositse fa batho ba ba gasang tshefi ba tshwanetse go apara diaparo tsa itshireletso jaaka sekhwetlha, dikgoshopo, diatlana, hempe e e matsogo maleele le futshe. O supile fa diaparo tse di tlhatswiwa di le nosi, a bo a supa fa tshefi e pegwa kwa morago mo koloing fa e tswa go rekwa. Rre Moaisi o supile fa ba ikaelela go lema temo e e tlhabolotsweng monongwaga, e seng ya go pitikolola mmu. Balemi ba ne ba tlhalosa fa bontsi jwa bone bo ntshitswe mo masimo ke motlho, mme ba tlaa iteka go o lwantsha ka tshefi ka ba bonye maduo a yone. Ba tlhalositse fa mehero e le mefutafuta, mme ba leboga fa go na le tshefi e e e lwantshang. Le fa go ntse jalo, ba tlhalositse fa go na le mhero o go tweng matebele, o ba tlhalosistseng fa o kgoreletsa dinawa go thunya. Ba kopile puso go batla tshefi e e bolyang mhero o. BOPA society 9 Tsayang botsogo ka tlhwaafalo Badiri ba lephata la temo-thuo ba kopilwe go fetola maitsholo ka go tsaya botsogo jwa bone ka tlhwaafalo ka e le jone bo ka dirang gore ba ntshe maduo a a nametsang mo tirong ya bone ya tsatsasi le letsatsi. E rile a bua mo thuto-puisanong e e neng e rulagantswe ke ba lephata leo kwa Letlhakeng, morulaganyi wa yone Rre Kushatha Stephen a tlhalosa fa maikaelelo a yone e ne e le go rotloetsa bodiredi go fetola maikutlo kwa ditirong le go ba rotloetsa go itlhatlhobela malwetse ka go farologana ka botsogo bo tla pele ga sengwe le sengwe. Rre Stephen o boile a supa fa go tlhoka madi o le modiri go ka ama maduo mo tirong ka tlhaloganyo e nna ka go eta e bile modiri a nna ka go itebala. O ba gakolotse fa go iphetisa dino go ka ba bakela malwetse mme se se se felele se digela maduo a tiro kwa tlase. E rile a ba ema ka lefoko, mookamela baoki ba kgaolo ya Kweneng Bophirima, Mme Midah Mogonono yo e neng e le sebui sa tlotla, a tlhalosa fa go na le malwetse a a sa tshelanweng mme a le borai jaaka kankere, bolwetse jwa sukiri kana madi a matona. A re malwetse a go nna jalo a nna borai le go feta fa molwetse wa one a a nwa bojalwa. O bile a kopa badiri bao go ikgapha mo nnotaging le go dirisa diritibatsi di tshwana le motokwane ka go le borai mo matshelog a bone ga mmogo le a baberiki ka bone. Mme Mogonono o kaile fa malwetse a sebete a dirwa ke go nwa bojalwa phetelela mo go dirwang ke badiri bangwe mme se se baya matshelo a bone mo diphatseng, o bile a supa fa sebete le diphilo e le dikarolo tse di botlhokwa thata mo mmeleng ka jalo di tlhoka tlhokomelo e e tseneletseng gore motho a kgone go tshela botshelo jo bo phepa. BOKHUTLO society 9 Bopelotelele bo aga motho Kgosi Charles Letsholathebe a re fa motho a le pelotelele, tlotlo le boineelo o ntsha maduo a a lebogiwang ke batho. Kgosi o buile jalo kwa moletlong wa kgosana ya pele ya kgotla ya Shashe kwa Maun, Rre Shakwa Shashe yo jaanong a leng dingwaga dile 103. Moletlo o ne o dirilwe ke batho ba a dirileng le bone fa a le kgosana. Kgosi Letsholathebe a re fa e ne e se ka bopelotelele, tlotlo le lerato la ga Rre Shashe, e ka bo erile fa go duwa ka mogopolo wa gore a direlwe moletloga bo go sena ope yoo tsileng, mme a re go bo batho ba ile ka makatlanamane go supa tirisano e ntle e Rre Shashe a ntseng le yone mo bathong bao ka nako ya faa dira le bone. Obile a re kgosi Shashe o mo gopotsa ka dinako tsa bo Dafite le mafoko a a builweng mo go Dipesalema wa ntlha, le wa 133, o tlhalositse fa erile bogologolo fa rre Shashe a tsena mo setilong seo a bo a ne a sa duelwe mme a re erile morago ka boineelo jwa gagwe puso ya seka seka gomoneela lemmenyana. Otsweletse a re Rre Shashe o berekile pele le bo kgosi Mathiba Moremi wa boraro, Pulane Moremi le Letsholathebe wa bobedi a sa duelwe mme a bona gole botlhokwa go dira tiro ya gonna jalo, a re seo se supa fa tota a ne a se pelo tshetlha. Obile a a kgola thata morafe wa kgotla ya Shashe a re ele ruri ba supile lorato ka go direle Rre Shashe moletlo wa gonna jalo a santse a le mo botshelong, a tswelela ka gore go le gantsi batho ba tlwaetse go buwa motho bontle a setse a se mo botshelong. Kgosi Letsholathebe obile a bolelela yo o mo sitilong sa ga rre Shashe e bong Princeloo Shashe gore a gate fela mo ditlhakong tsa monnamogolo gore le ene a tle a bone bontle joo. Moagisane wa ga rre Shashe ebong rre Benson Kuti, a re fa motho a tshotswe a le botlhale ga go kgathelesege gore a orutegile, a tlhalosa fa rre Shashe a ne a sa rutega mme a na le dikgakololo tsedi neng tsaaga motse wa Shashe. A re ene le rre Shashe ba kgonne go a ga dikwele le dikokelwana mo kgaolong ya Shashe, a tlhalosa fa ene e le motho yo o neng a se lehuha e bile a rata mongwe le mongwe. Mokhanselara wa pele wa kgaolo eo Rre Pelokgale Monyame e ne o boletse gore fa ele gore gore gona le sengwe se rre Shashe a sa sedirang sentle mo kgaolong eo goraya gore ba molato botlhe k aba simolotse go a ga motse oo bale mmogo fa e ne e ne ele mokhanselara. O ne a tswelela ka gore o kgothatsa b aba setseng gore bantshe bobone mme ba tsenye lorato fa ele gore ba babatla goipona ba galalediwa jaaka Rre Shashe le go neelwa tlotlo. Kgosana yo a leng mo maeong gompieno Rre Princeloo Shashe o ne a re gonna lorato mo bathing go mmontshiotse gore motho ga a tshele le bag a bone fela, mme a leboga botlhe ba ba dirileng gore mokete o o oatlege. Obile a re leene o tlaa leka ka bojotlhe gore a nne le lorato le Malomaagwe a neng a na nalo gore a rate mongwe le mongwe a re gongwe ka go dira jalo oka ngatha mo dingwageng tsa monnamogolo le ene a bona botshelo jo bo leele. O ne a tlhalosa fa a lebogile that aka gore monnamogolo o mo tlhatlheletse jone botsipa jwa go bereka le batho ba merafe e e farologanyeng mme a re o solofela faa tlaa kgona tiro ya gagwe le go etsamaisa ka manontlhotlho. BOKHUTLO society 9 A bana ba nne phepa - Mogokgo Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Grace Kgari, Mme Letshidile Kokoro o kgothaditse batsadi go netefatsa gore bana ba phepa le gore ba dira tiro ya sekole ka dinako tsotlhe. Mogokgo o buile jaana kwa bokopanong jwa batsadi le barutabana Motsheganong ale lesome le bosupa kwa Serowe a re go a tshwenya gore e re le fa bontsi jwa batsadi e le banana, bana ba bo ba ya sekoleng ka leswe. O ngongoregetse go tlhoka go tsena diphuthego tsa sekole ke batsadi ntswa ba tshwanetse go tshwaraganela bana. Mme Kokoro a re sekole se na le dikgwetlho di le mmalwa tse di tlhokang go tshwaraganelwa le batsadi, a re mo bogompienong bana ba santse ba tsenela ka fa tlase ga ditlhare, selo se a reng se ngomola pelo, bogolo jang mariga. A re ka tlholego, sekole sa Grace Kgari se ne se felela ka mophato wa botlhano mme gompienong se tsaya go fitlhelela ka lekwalo la bosupa mme se, se bake tlhaelo ya matlo a borutelo. Mogokgo a re letlhoko la ditsompelo le ba paledisa go fitlhelela maduo a ba a eletsang a tlatsa ka go re le fa Batswana ba itsege ka mowa wa go ipelega, seo ga se kgonagale ka batsadi ba le thata go thusa sekole. Mme Kokoro a re fa e sale khansele e emisa badisa dikago, bana ba tlhagela mo sekoleng ba bo ba tsaya dibuka tsa sekole le dirisiwa tse dingwe. “Fa o bona ngwana a tla a rwele dilo tse o sa di itseng, latisisa go bona gore ngwana o di tsaya kae. Tsibogelang selo se ka se ka gola le ngwana a felela a dira mo go golo jaaka go thuba marekisetso,” Mme Kokoro a tlhalosa. Rre Sefane Phuthego, yo e leng monni wa Serowe, o ne a tswa sekole seo thuso ka go se abela dibuka di le P5 000. Rre Phuthego a re puso ka nosi e ka se ke e kgone go direla setshaba dilo tsotlhe. A re go botlhokwa gore batho ba tsenye letsogo go e imolola morwalo. “Puso ga e na madi, ka jalo boikarabelo jwa rona re le batsadi bo a tlhokega,” Rre Phuthego a tlhalosa. Rre Phuthego o rotloedise batsadi go sala ditiro tsa bana morago, bogolo jang ka bontsi jwa batsadi bo tsene sekole e bile ba itse botlhokwa jwa thuto. A re go a tshwenya gore fa mauduo a tswa a sa itumedise batsadi ba bo ba supa mogokgo ka menwana ba sa lebe seabe sa bone. Mokhanselara wa Mokwena, Rre Atamelang Thaga a re sekole sa Grace Kgari se tlaa agelwa ntlo ya borutelo jwa bananyana mo mading a a filweng kgaolo ya bone. A re thendara e setse e dule go shwafatsa sekole. Rre Thaga yo e leng mothusa modulasetilo wa khansele-potlana ya Serowe, a re ba itse ka tlhaelo ya matlwana a borutelo kwa sekoleng seo, a re se se tlaa arajwa nako e madi a tlaa bonalang. Kgosi Sechele Kgari wa Kgotla ya Mokwena o lebogetse mpho ya ga Rre Phuthego le go rotloetsa batsadi go tlhagafalela dipitso tsa sekole. A re ba ka seke ba bone dimpho tsa go nna jaana fa ba goga dinao. education 4 Monana o rotloetsa banana go itshetsha Rre Leina Segwai yo e leng monana e bile e le mongwe wa ba ba akotseng mo lenaneong la YDF o rotloeditse banana go batla dikitso tse ba nang le lerato mo go tsone go bona gore ba ka di fetolela mo go direng dikgwebo go itshetsa. Mo potsolotsong le BOPA, Rre Segwai, yo o dingwaga tse di masome mabedi le bosupa a re e rile ka 2009 a sena go fetsa lokwalo lwa botlhano a tswa letsholo go ya majako mme a retelelwa ke go bona tiro mme a boela gae go tla go leka go tsaya mananeo a nyeletso lehuma A re e rile ka 2016 a setla tsela ya diofisi tsa lephata la banana go ya go kopa madi mme e rile ka 2017 a ya fifing a atlega a fiwa P99 000 go simolola kwebo ya go rua dikgomo. A re o ne a reka dikgomo tse di namagadi di le lesome tsa mhuta wa Simmental le poo ya sherillin. Rre Segwai o tlhalositse gore go tsena mo thuong ya kgomo o kgothaditswe ke gore o goletse mo tikologong ya temo-thuo e e neng e dirwa ke batsadi. O tlhalositse fa go le botlhokwa go godisa mhama wa nama mo Botswana ka e le one o lomang wa diteemane serota mo go tsamaiseng itsholelo. A re batsadi le bone ba ne ba mo eme nokeng ka go mo adima lefatshe le le nang le sediba ka jaana o ne sa simolodisa thuo ya gagwe mme e tlaa re mo tsamaong ya nako a batle la gagwe. Rre Segwai a re o ipeetse seelo sa gore mo ngwageng tse pedi le sephatlho a bo a setse a duetse sekoloto sa madi a a adimilweng le gore mo ngwageng tse tharo le sephatlho a bo loruo lwa gagwe lwe atile gabedi. O tlhalositse gore ba lephata la banana ba ne ba mo tlhatlhelela ka botsipa jwa go rua kgomo monongwaga gore a kgone go tlhokomela loruo. A re o nna o golagana le ba ofisi ya mokenti fa a batla go botsa sengwe mabapi le mathata a a kopanag le one kwa morakeng kgotsa fa go na le sengwe sa tshoganetso jaaka kgomo e lwala. O supile fa a ise a kopane le dikgwetlho tse di kalo ka a netefatsa gore tsamaiso ke ya maemo a ntlha. O tlhola gore a dikgomo di nole le gore di jele le fa di le kafa tlase ga tlhokomelo ya modisa. O kgothatsa banana go simolola dikgwebo ba santse ba le babotlana gore ba golele mo go tsone ka puso e phutholotse letsogo go tla ka mananeo a tshwana le LIMID le YDF go ba ntsha mo lehumeng. Rre segwai a re banana ba seka ba itsemeletsa go tsena mo diofising tsa puso go batla kitso ka mananeo a nyeletso lehuma, go bona a a ka ba tswelang mosola. O lebogetse puso go menagane go bo e mo thusitse ka go mo neela lenaneo le ka a ne a itlhobogile mo botshelong mme jaanong o bona lesedi go ya pele. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Go itekanela ga modiri go rotloetsa botlhaga le bonatla Kgosi ya kgotla ya Kagiso kwa Selebi Phikwe, Rre Gunny Moses, a re go itekanela ga modiri go tlhotlheletsa botlhaga mo tirong. O buile se kwa letsatsing la itshidilo mmele le le neng le rulagantswe ke badiri ba lephata la khiro, tokafatso bodiredi le tlhabololo dikitso kwa Selebi Phikwe bosheng. O boletse fa go itshidila go thusa mmele gore o seka wa tshabelelwa ke malwetse kgapetsa kgapetsa segolo jang malwetse a a sa tshelwaneng jaaka jwa sukiri. A re go itshidila mmele go thusa modiri go tsaya ditshwetso tse di maleba mo nakong e khutshwane fa a kopana le dikgwetlho tse di tlhokang go rarabololwa ka bonako mo tirong. Kgosi Moses o rotloeditse badiri go tswelela ka lenaneo la bone la go itshidila ka le nale seabe mo go tokafatseng botlhaga, botsalano le go nna kutlo mo tirong. E rile a ntsha la gagwe, molomaganya ditiro tsa HIV/AIDS kwa ofising ya ga molaodi kwa Selebi Phikwe, Rre Shatiso Daki, o ne a rotloetsa badiri ba lephata leo go tswelela ka lenaneo la bone la itshidilo mmele ka go setse go supefetse fa lephata la bone le gatetse pele mo go tsa itshidilo. Rre Daki o tlhalositse fa lefatshe leno le bona koketsego ya dintsho tse di bakwang ke malwetse a a amangwang le go sa itshidila mmele. O boletse gape fa puso e dirisa madi a mantsi mo kalafing ya malwetse a a sa tshelwaneng a a kabong a thibelwa motlhofo. Rre Daki o rotloeditse badiri go tokafatsa lenaneo la bone la itshidilo mmele ka go nna ba laletsa baitseanape ba tsa ishidilo mmele go ba thusa go le tsamaisa. Mogolwane go tswa kwa lephateng la khiro kwa Selebi Phikwe, Rre Bambanani Manewe, o boletse fa setlhogo sa letsatsi la bone la itshidilo mmele se se reng Modiri yo o Itekanetseng o Nna Tlhaga mo Tirong, se dirilwe go netefatsa fa botsogo jwa modiri bo na le seabe mo go direng ka natla mo tirong. Rre Manewe o boletse fa dipatlisiso di supile fa modiri yo o itekanetseng a le tlhaga mo tirong ka jalo ba ikaeletse go tokafatsa botlhaga jwa badiri ba lephata la bone ka itshidilo mmele. O rotloeditse badiri ba maphata go tswelela ka go tsaya dikgakololo tsa ba botsogo gore ba tokafatse ka fa ba tshelang ka teng jaaka go ja sentle lego itshidila mmele. Rre Manewe o ne a rotloetsa badiri go tswelela ba itshidila mmele fa ba sena go tlogela tiro ka bogodi, ka bontsi jwa malwetse a a bakwang ke go sa itshidila mmele a tshabelela motho fa a sena go tlogela tiro. health 6 Lesea le betilwe ke metsi mo lekadibeng la dipidipidi Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone ngwana wa dingwaga tse tharo a beteletsweng ke monna wa dingwaga tse di masome mararo. E rile a lekodisa O tlhalositse fa batsadi ba ngwana ba ne ba tlogetse ngwana yoo le bana ba bangwe ba dingwaga tse supa. Ass. Supt Morolong o supile fa rre yoo a setse a itshupile kwa lekgotleng la ga mmakaseterata kwa Molepolole Sedimonthole a le masome mararo le bongwe. O kaile fa ba santse ba tshegeditse mmelaelwa kwa kgolegelong ya Molepolole fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. Mo go tse dingwe Ass. Supt Morolong o tlhalositse fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le bone a gobaditseng rre wa dingwaga tse di masome mane le bosupa ka kota kwa Diphuduhudu Sedimonthole e le masome mabedi le borataro. O tlhalositse fa rre yoo le ene a tshegeditswe ke mapodisi fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. Ass. Supt Morolong o supile fa ba ne ba atlhola beng ba dibara tse pedi kwa Letlhakeng le Ditshegwane ka molato wa go tlhoka go obamela dinako tsa go tswala madirelo. O supile gore ntle le moo malatsi a keresemose le ngwaga o mosha a ketikilwe ka boikarabelo kwa kgaolong ya gagwe. E re le ntswa go ntse jalo, Ass. Supt Morolong o ntshitse matshwenyego a bakgweetsi ba ba kgweetsang ba sena diteseletso tsa go kgweetsa. O supile fa batho ba ba neelang batho ba ba senang diteseletso tsa go kgweetsa ba na le seabe mo go bakeng dikotsi tsa tsela. crime_law_and_justice 1 Banni ba Shakwe, Taupye ba a ngongorega Banni ba Taupye le Shakwe ba supile ngongorego ka babereki ba dipalamo dingwe tsa setshaba tse di dirisang tsela ya Mahalapye, Machaneng, Sefhare, Chadibe, Mokobeng le Ramokgonami. Go bolelwa fa badiri bao ba gana go pega batho ba metse eo le meraka e e mo tikologong e bile ba sa dirisanye sentle le palami. Ba ntshitse ngongorego e mo phuthegong e e neng e kopanetswe ke badiri ba lephata la dipalamo, beng ba dipalamo tsa setshaba, dikgosi le banni ba Taupye le Shakwe. Ba re ba tswa kgakala ba ntse ba ngongorega ka beng ba dipalamo tseo, mme go se na nko e tswang lamina, mme ba bona go le botoka gore beng ba dipalamo tseo ba amogiwe diteseletso ka ba sa sala morago melawana ya tsa dipalamo. Mogolwane wa lephata la tsa dipalamo kwa Mahalapye, Rre Desmond Dagwi, o tlhomamiseditse banni fa a tlaa tlhotlhomisa dikgang tsa bone e bile a solofetsa fa a tlaa kopanela phuthego le beng ba dipalamo tseo gammogo le baeteledipele ba metse ya bone. Rre Dagwi a re beng ba dipalamo tse di sa obameleng melao ya tsa dipalamo ba ka lefisiwa P400 kana P800 fa ba tsweletse ka go tlhoka go sala morago melawana ya tsa dipalamo kana ba seegelwe fa tlhoko mo ditseleng fa ba tsweletse ka go dira jalo kana ba amogiwe diteseletso. Bokhutlo society 9 Go somarela ngwao go botlhokwa Mogokaganyi wa lephata la Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao kwa kgaolong ya Borwa, Mme Minkie Bokole, o akgoletse mokgatlho wa Ga MmaLeema go ruta le go tsosolosa ngwao ya Sengwaketse. O buile jalo kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la matsalo a ga kgosikgolo ya Bangwaketse, Kgosi Malope II, kwa Kanye ka Matlhatso. Moletlo o, o o mo ngwageng wa boraro, o ne o rulagantswe ke komiti ya Ga MmaLeema le bogogi jwa sekole sa Kidz Academy. Mme Bokole o rotloeditse maloko a komiti eo go tswelela ka go rotloetsa ngwao ka jaana e le botlhokwa go ageng serodumo sa morafe. O boletse fa ngwao e bopa setshaba. Mme Bokole a re le ntswa go le botlhokwa gore Bangwaketse ba tsosolose ngwao ya bone, ba tshwanetse gape ba amogela merafe e mengwe ebile ba tshele le yone ka kagiso. O ne gape a kopa Kgosi Malope II le mophato wa gagwe go emela morafe ka dinao go o sireletsa mo borukutlhing segolo jang dipolao le dipetelelo. E rile a tswa la gagwe, Tona wa Botsogo le Boitekanelo, ebile e le mopalamente wa Kanye Borwa, Dr Lemogang Kwape, a tlhalosa fa komiti le bogogi jwa sekole sa Kidz Academy ba nnile sekao sa gore kgosi e a tlotlwa jaaka. A re o itumedisitswe ke go bona ka fa batho ba itshwereng ka teng kwa moletlong oo go supa fa ba tlhaloganya seemo sa segajaja sa COVID-19. Dr Kwape o ne gape a akgola bana ba sekole seo, a re go bo ba tlhamile motshameko ka bolwetse jwa COVID-19 go supa tota fa ba tlhalogantse melaetsa ya puso le ba botsogo. O rotloeditse setshaba go tswelela ka go ipabalela le go dira tsotlhe tse ba di beilweng pele go thibela kanamo ya bolwetse jo. A re motho o tshwanetse go tlhalehisiwa ke seru kana seemo se a iphithelang a le mo go sone, ka jalo a rotloetsa ba ba neng ba tsene moletlo go tswelela ka go ipabalela. Modulasetilo wa komiti, Rre Motswakgakala Sealetsa, o tlhalositse fa mo maitekong a bone a go tsosolosa ngwao ba tshwanetse go tlotla Kgosi Malope II ka go mo direla moletlo wa letsatsi la matsalo. A re se ke go supa gore tlotlo mo bagolong e botlhokwa ka ngwao ya Sengwaketse. A re le ntswa ba ne ba ikaeletse go direla moletlo oo kwa kgotleng jaaka ba ne ba dirile ngogola, ba ne ba patelesega go fetola lefelo ba lebeletse melawana ya botsogo e e tshwanetseng go salwa morago ka maiteko a go hema kanamo ya mogare wa corona. Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Malope II o ne a supa fa a itumetse thata ka e bile a ne a sa solofela fa moletlo oo o tlaa nna teng monongwaga. A re se se dirwang ke komiti eo le sekole sa Kidz Academy ke sesupo sa mowa o montle o o nang le maikaelelo a a molemo. B arts_culture_entertainment_and_media 0 Monna o bonwe molato wa go kgweetsa a itshietse Mmakaseterata wa Jwaneng, Rre Odirile Mokgatle e rile bosheng a bona Innocent Muzola molato wa go kgweetsa koloi selekanyo sa bojalwa mo mmeleng se feta se se letlelesegang. Muzola, yo o dingwaga di masome mararo le botlhano, o ne a atlholwa P4 000 kana dikgwedi di le lesome le boferabobedi fa a sa duele madi ao mo malatsing a le lesome le bone go tswa letsatsi la katlholo. Mo godimo ga moo, lekgotla le ne la laola gore mosekisiwa a gapelwe setlankana ebile a seka a kgweetsa dingwaga tse pedi. Dintlha tsa kgang di supa fa e rile kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi a le lesome le bobedi ngwaga o o fetileng, mosekisiwa a emisiwa ke ba sepodise fa sekganeding sa tsela ya Jwaneng/Sese. Go bolelwa fa a ne a kgweetsa koloi ya modiro wa Mazda, mme ya re morago ga go tlhatlhobelwa selekanyo sa bojalwa, ga fitlhelwa se feta se se letlelesegang ka fa molaong sa0.35mg/1000ml. E ne e rile go le pele, mosekisiwa a supa fa a sa ipone molato mme ebile a tlhalosa fa a tlaa batla mmueledi go mo emela. Ka nako ya tsheko mmueledi o ne a seka a iponatsa kwa kgotleng ka jalo mosekisiwa a ikemela, fa ba bosekisi bone ba ne ba biditse basupi ba le babedi. Mosupi wa ntlha, Inspector Oathusa Tshotlego wa sepodise sa pharakano mo Jwaneng, o ne a bolelela lekgotla gore ka letsatsi le le boletsweng leo o ne a neelwa mosekisiwa ke mongwe wa babereki ka ene gore a mo tlhatlhobele selekanyo sa bojalwa, mme maduo a tswa a supa 0.79mg/1000ml. A re morago ga go bontsha mosekisiwa mokwalo wa maduo ao, bobedi joo bo ne jwa a baya monwana go a rurifatsa. Mosupi yo mongwe, ka nako ya tiragalo e ne e le lepodise Rre Oaitse Serumola, mme o ne a tlhalosa gore ke ene a neng a emisitse mosekisiwa kwa sekganeding sa tsela, mme morago ga go kopa go bona setlankana a tlhanyega a utlwa monko o a neng a belaela e le wa bojalwa. A re o ne a isa mosekisiwa kwa go Inspector Tshotlego gore a mo tlhatlhobe, ka jaana e ne e le ene a dirisang mochine ka nako eo. A re morago fa a utlwa ka maduo a tlhatlhobo eo, o ne a itsise mosekisiwa ka molato o a o lebisiwang, mme koloi e a neng a e kgweetsa yone ya isiwa kwa diofising tsa sepodise go ya go tlhatlhobiwa jaaka e le tsamaiso. Ka nako ya tsheko, mosekisiwa o ne a seka a botsa basupi botlhe ka bobedi dipotso, a tlhalosa fa bosupi jo ba bo fileng lekgotla e le boammaruri jwa se se diragetseng ka letsatsi leo. Erile a a fa jwa gagwe bosupi, Rre Muzola a tlhalosa fa ka letsatsi leo a ne a ntse kwa ga gagwe a a nwa bojalwa mme morago ga tla mme mongwe a kopa gore a mmoledise. A re e re ka go ne go setse go le lefifi, o ne a isa mme yoo ka koloi kwa EU 3, mme mo tseleng a emisiwa ke mapodisi. Mosekisiwa o ne a kopa lekgotla gore le seka la mo gagamaletsa setoropo ka jaana e ne e se maikaelelo a gagwe go kgweetsa a nole. O ne gape a kopa gore a seka a tseelwa setlankana sa go kgweetsa ka a itshetsa ka sone mo tirong ea e berekang kwa moepong wa Jwaneng. Mmakaseterata Rre Mokgatle o ne a tlhalosa fa kgang e tlhamaletse ebile e sa tlhoke dintlha tsa tshoboko tsa bofelo ka ba bosekisi le mosekisiwa. O boletse fa gape bosupi bo tsamaelana, a tlatsa ka gore mosekisiwa le ene o dumalana le jone. Mo godimo ga moo, a re mosekisiwa ga a supa gore ke eng se se neng se mo pateletsa gore e nne ene a kgweetsang koloi eo go isa mme yo a neng a bua ka ene, ka jalo lekgotla le bona go ne go sa tlhakofale. Mo katlholong , mmakaseterata o ne a supa fa mosekisiwa a ne a le boikobo fa pele ga lekgotla. Le fa go ntse jalo, a re e re ntswa a amogela ipobolo ya mosekisiwa ya gore o itshetsa ka setlankana sa go kgweetsa, tiriso botlhaswa ya nnotagi mo lefatsheng leno e ile magoletsa ka jalo makgotla a tshwanetse go tsaya karolo go thusa puso go fokotsa seemo se ka jalo a mo pega molato. crime_law_and_justice 1 DTC e abela sekolo sa Díkar P2 million Khamphani ya Diamond Trading Company Botswana (DTC) e abetse sekolo sa D’kar mo kgaolong ya Ghanzi P2 million. E rile tona wa thuto, Dr Unity Dow, a amogela mpho eo a lebogela DTC go thusa sekolo seo. A re ba ne ba isa dikopo tsa dikolo ka bontsi kwa khamphaning eo mme ka lesego ba ne ba tlhopa sekolo sa D’kar gore ke sone se ba bonang go le botlhokwa go se thusa ba lebeletse maduo le letlhoko tla sone. Tona Dow a re lephata la gagwe ga lena go tsamaya sentle go sena ba ba ka le thusang ka jaana lephata la gagwe le lebaganwe ke dikgwetlho tse dintsi. A re lephata leo ke lone matlho a bone jaaka go jesa dikolo le go phakisa kapari ya sekolo. Dr Dow a re o dumela fa sekolo sa D’kar ngwaga ono se tla ntsha maduo a botoka a lekwalo la bosupa morago ga dithuso tsa DTC. Tona Dow a re sekolo gore sentshe maduo ke gore bogogi bo ema ka dinao gore bana ba sekolo seo ba kgone go fenya ditlhatlhobo tsa lokwalo lwa bosupa. A re batsadi le bone ba tshwanetse gonna le seabe se se ntsi mo thutong ya bana. Tona a re madi ao a tsile go thusa thata mo tlhabololong ya sekolo seo, mme ebile o leboga fela thata gore ba kompone ya DTC gore ba tsaya sekolo seo mo dingwageng tse tharo. Dr Dow a tswelela kagore diteemane di diretse lefatshe leno fela thata mme ebile go maleba gore abo ntse di tsweleltse ka go tlhabolola botshelo jwa Motswana. Modulasetilo wa komiti ya DTC yoo okametseng lekalana lele thusang batho Rre Neo Moroka aba mpho eo a supa fa ngwaga ofetileng bane ba bona dikopo ka go farologana ele tsa dikolo mme batlhopa sekolo sa D’kar ntateng ya maduo a sekolo seo. A re maduo a sekolo seo anne a le ko tlase fela thata mo a otlusang botlhoko. Rre Moroka a re thuso ya ntlha kef a bane ba agela sekolo sa D’kar primary school motlobo wa dibuka. Are ba itlama ba thusa ka go apesa bana ba sekolo (provision of uniform), le go jesa bana ba sekolo (provision of meals) le ka kapari ya tsa metshameko. Rre Moroka a re batsere sekolo seo mo dingwageng di le tharo go bona gore mo dingwageng tse tharo tseo se tsele go dira jang mo ditlhatlhobong tsa lokwalo lwa bosupa ka jaana ele one a bagwetlhile gore ba se tseye. A re thuto kana ke yone tsela le boamaruri mo lefatsheng leno, a re banana ga basa rutega itsholelelo ya Lefatshe leno etla wela tlase. A re thuto e botlhokwa mo botshelong jwa Motswana mongwe le mongwe ka jaana ke yone e ka hemang lehuma. E rile mopalamente wa Kgaolo ya Ghanzi Bokone, Rre Noah Salakae, a ntsha malebo a kopa kompone eo go tswelela ka mowa o montle oo, ebile ba rotloetse dikompone tse dingwe go tla go thusa mo kgaolong ya Gantsi. Mopalamente o supile fa banni ba D’kar ba le lesego ka gore gompieno sekolo sa bone se thusetswe ka madi a tsileng go tlhabolola matshelo a bone. education 4 Baruti ba na le seabe go tlhabolola toropo-Mmatoropo E re ka lefatshe leno le na le dikgwetlho tse dintsi, baruti ba kopiwa go nna le seabe mo go godiseng itsholelo le go fetola toropo ya Lobatse mo ditlhabololong. Fa a ntsha dintlhakgolo kwa pitsong ya ntlha ya khansele le baruti ba dikereke tse di farologaneng tsa Lobatse go tla go buisana le go utlwa matswenyego a baruti ka Mosupologo, Mmatoropo wa Lobatse Mme Malebogo Kruger o buile fa e le maikaelelo a khansele ya Lobatse go tshwaragana le baruti go rapelela toropo eo. A supa fa baruti e le bone ba nnang ba eteletse pele mo ditirong tsa puso le go nna baeteledi pele ba sechaba mo dikerekeng. Bokopano bo ne bo inaakantse le setlhogo sa “seabe sa kereke mo go tlhabololeng toropo ya Lobatse” O ne a akgola baruti go tswelela ka go aga banni ba toropo ya Lobatse mo go fetoleng boitshwaro le go tlhabolola batho mo mekgweng e e sa siamang, jaaka dintwa, tlhalo ya banyalani, go tlhoka go utlwana le tse dingwe. A re fa baruti baka nna ba tshwelela ka go fetola boitshwaro jo bo sa siamang mo bathong, lefatshe leno le ka nna le tshaba e e nonofileng e e ka tlhabololang toropo ya Lobatse. Mma Kruger o tsweletse a bua fa ba itse matshwenyego a dikereke a go tlhoka lefatshe le ba ka agang dikereke mo go tsone mo Lobatse. A re toropo ya Lobatse ke toropo nngwe ya ntlha ya lefatse leno go nna le ditlhabololo, jalo go ka itumedisa go bona tshwaragano ya sechaba, baeteledipele ba mekgatlo le ba bangwe go kopanya mewa ya bone ya go godisa toropo. Molaodi Mme Koketso Sejakgomo o kopile dikereke go nna le seabe mo go tseyeng batho ka tekatekanyo go itse le go tlhaloganya banalebogole ka fa ba tshelang ka teng le ka fa ba tshwanetseng go tshwarwa ka teng. A re dikgwetlho di tshwana le go tlhoka ditiro ga banana, malwetsi a a tshelwanang, tlhalo ya manyalo baruti ba tshwanetse go nna le karolo go bona gore letlhoko le matshwenyego di a fokotsega. O kopile baeeteledi pele ba dikereke go nna le tshwaragano le go tla ka mananeo a a ka tlhabololang toropo ya Lobatse gore e nne toropo e e tshwelwang pelo. Dikgakgelo le dipotso tse di neng di botswa ke baruti di ne di remeletse go tlhokeng mafelo a ba ka agang dikereke mo go one. Ba bangwe ba ne ba leboga Mmatoropo go bitsa pitso ya baruti go tla go neelana ka fa toropo ya Lobatse e ka tlhabologang ka teng le go e rapelela. religion_and_belief 8 Komiti ya ditlhabololo kwa Serinane e rola ntlo Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Serinane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Mme Kolobetso Lekollwane, o lebogetse banni ba motse oo go tsenya letsogo mo tirong ya go agela Rre Berry Senekowe ntlo. O buile se fa Rre Senekowe a ne a rolelwa ntlo ya kamore e le nngwe kwa Serinane bosheng. A re tshwaragano e e supilweng ke banni ke yone e ba thusitseng go fitlhelela tiro e. Mme Lekollwane o ne a leboga gape baithaopi ba ba neng ba aga ntlo eo. O ne a ngongoregela gore fa motlhoki a agelwa ke khansele ga ba fiwe sebaka sa go aga gore batle ba iponele lemmenyana. O kopile ba ba tsereng mananeo a nyeletso lehuma go a tshwara ka matsetseleko gore a tle a fetole matshelo a bone. Mme Lekollwane o supile gape fa a itumelela tshwaragano ya badirelapuso le kgosi ya Serinane. Kgosi Malang Galeatle ene o ne a supa fa tiro e ba e kgobokanetseng eo e tlhoka lerato. Kgosi Galeatle o supile fa toro ya gagwe e le go tsamaisa motse ka tlhomamo O supile fa a bodiredi bongwe jwa khansele bo seke bo ba ema nokeng fa ba kua mokgosi,. Sebui sa tlotla e bile e le mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Serinane, Mme Goabaone Bakwena, o ne a supa fa tiro ya komiti ya ditlhabololo tsa motse e le go goga motse, a supa fa tiro ya go aga ntlo eo ba e dirile ka tshwaragano le badirelapuso le morafe. Mme Bakwena o supile fa motho mongwe le mongwe a tshwanetse go ithuta go aba, a supa fa komiti eo e file Rre Senekowe seriti sa go nna le bonno. Mogokgo o supile fa a dumela fa ntlo eo e sa felela, ka jaana e na le kamore e le nngwe fela, a bo a gwetlha gore e oketswe gore boora Senekowe ba nne le bonno jo bo botoka. E rile a ntsha la gagwe, Rre Senekowe, o ne a supa fa itumeletse ntlo eo thata ka a ne a sena bonno gotlhelele, mme a supa fa a setse a godile thata mme a sena ntlwana ya boitiketso. Mongwe wa banni, Rre Mabogo Gabaatlholwe, o ne supa fa komiti e dirile tiro e ntle thata, a bo a kopa boorra Senekowe go e amogela ka lorato le ntswa ba santse ba na le tse ba di tlhokang. society 9 Women Collective e thusa Bomme Bomme bangwe ba toropo ya Francistown ba itshupile fa ba gatetse pele mo maikaelelong a go tswa ka methale e ba ka e dirisang go itepatepanya le tse di amang matshelo a bomme. Bomme bao, ba bopile mokgatlho o ba o bitsang Francistown Women Collective. Mo potsolotsong le BOPA bosheng, mothusa modulasetilo wa mokgatlho oo, Mme Kgololo Makhi a tlhalositse fa o tlhamilwe ke bomme ba Francistown ba le lesome le bobedi ka Tlhakole ngogola. O tlhalositse fa mo nakong eno, mokgatlho o jaanong o setse o ngokile bomme ba le mmalwa go ralala toropo ka jaana ba setse ba feta masome a mararo. A re go tlhangwa ga mokgatlho o, e ne e le ka maikemisetso le maikaelelo a go netefatsa fa dikgang tse di amang bomme di bona tharabololo, gape e le tsela e ka yone ba eletsang gore ba nne seopo sengwe go bua ka lentswe le le lengwe gore lentswe la bomme le utlwale mo setshabeng. O tlhalositse fa gangwe le gape bomme ba tshabelelwa ke dikgang tsa petelelo, kgokgontsho, go godisa bana ba le nosi, lehuma le le tseneletseng, go sa emelana ga mmogo le gone go nyadiwa mo matshelong le mo ditirong dingwe. Ka jalo o ne a supa fa e ne e le maikemisetso a bone e le mokgatlho go batla tsela e ka yone dikgang tse di ka rarabololwang. Mme Makhi o ne a tlhalosa fa ba dumalane e le maloko go nna ba kopana gangwe le gape mo bekeng go buisana ka dikgang dipe tse di ba amang le setshaba ka kakaretso mme kwa pheletsong ba nne le tharabololo ya tsone. Go sa le foo, mothusa modulasetilo o tlhalositse fa go kopana ga bone e le maloko go ba thusa gape go abelana megopolo ya methale ya itshetso, segolo bogolo ya go ka inonotsha mo go tsa kgwebo gore kgabagare ba inoge mo lehumeng. O ne a tlatsa ka go re ba fana le bogakolodi ka matshelo a bone, ka jalo Mme Makhi o ne a ikuela mo setshabeng go ba tswa tema tebang le gore mokgatlho o tswelele pele go solegela setshaba molemo. A re ba lebaganwe ke dikgwetlho di akaretsa letlhoko la lefelo le le tlhomamisitsweng go tshwarela diphuthego mo go lone ka jaana mo nakong eno ba tsenela mo lebaleng, mme seo se ba kgoreletse fa loapi lo sa iketla. O boletse gape fa ba na le letlhoko la ditsompelo, ka jalo a kopa thuso mo dikhamphaneng ka go farologana go ba tswa thuso. Gape o ne a supa gore le fa ba lebaganwe ke dikgwetlho ga ba kake ba nyema moko, a supa fa e le keletso ya bone gore mokgatlho o o gole o nne le maloko lefatshe ka bophara. ENDS society 9 Balemi ba Matombomasha ba abelana dithuto Molemi wa masimo a Matombomashaba, dikhilomithara di ka nna lesome le botlhano go tswa kwa Tutume, Rre Enock Tsholofelo o akgotse puso ka go thusa balemi ka lenaneo la Intergrated Support Programme for Arable Agriculture Development (ISPAAD). Rre Tsholofelo o buile seo ka letsatsi le le neng le rulagantswe ke balemisi le maloko a komiti ya balemi ba kgotla ya Magapatona la go tsamaya ba bona masimo a balemi go tsaya malebela bosheng. A re ka lenaneo leo o kgonne go phaka dipeo a ba a lema diekere tse di lesome le borobabongwe. O ne a galaletsa lenaneo leo le dithuso le dikgakololo tsa balemisi. Rre Tsholofelo, yo o dingwaga di masome mane le boraro, a re lantlha fa a simolola temo ya gagwe o simolotse a jala ka go gasa. O tlhalositse gore erile mo ngwageng o o latelang a lekeletsa ka go jala ka ditselana mme thobo ya gagwe e ne ya nna ntsi go feta nako e a neng a jadile ka go gasa. A re seo se ne sa dira gore monongwaga a leme thata ka o kgonne go lema ditema di le lesome le boraro tsa mabele tse a solofetseng go ntsha dikgetsi tse di makgolo a mararo kana go feta. O ne a bolela fa tse dingwe ditema a jadile mmidi ka e le one o ne wa dira bontle fela thata e bile a kgonne go rekisetsa dikole. A re o setse a rekiseditse ba lekalana la Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) dinawa. Rre Tsholofelo o ne a rotloetsa banana go tsena mo temong, a gatelela ka gore temo e a busetsa. A re le ntswa a na le kwa a theogelang teng ga go na letsatsi le le fetang a sa ya kwa tshimong ya gagwe go bona gore dilo di tsamaya sentle. O tsweletse a supa fa mo kgaolong ya bone ba sa tsosiwa ke kgang ya beng ba diterekere ka ba lopa madi a ba reng ke a leokwane a P400 ekere mme gape ka fa ba duelwa ke puso ditema tse ba di lemetseng batho. Rre Tsholofelo a re kgang eo ya leokwane ke yone e e dirang gore balemi ba retelelwe ke go lema ka bangwe ga ba na madi seo ba felela ba lema tema e le nngwe kana go tlhoka go lema gotlhelele ntswa ba na le keletso. Mongwe wa tshimo e e neng e kgatlhisa thata, Mme Panyeletso Charlie yo ene a neng a dirisa dikgomo go lema, o boletse fa a ne a jala ka seatla a tlhosetsa peo. Mme Charlie a re e sale a tsaya bogakolodi jwa balemisi jwa go lema ka ditselana le go tsenya monontshane mo tshimong maduo ke a a kgatlhisang thata. A re e bile ene o kgona go dirisa mogoma wa dikgomo go tlhagola. A tlhalosa fa a apesa dikgomo tsa gagwe tse a di golegileng wairi e e logilweng gore di seka tsa tsamaya di eta di ja dijalo fa a ntse a tlhagola. A rotloetsa balemi bangwe go tla go tsaya malebela ao mo go ene ka nako ya temo. Molemisi wa Magapatona, Rre Gosetsemang Koitheng a re maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go tsamaya ba bona gore balemi ba ba kgonneng go bona sengwe monongwaga ba dirileng jang le go tsaya malebela mo go bone ka dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe gore le bone ba tle ba tokafetse ka fa ba lemang ka teng. Rre Koitheng a re mo temong fa o sa sala dintlha tse tsa go lema ka ditselana morago,go somarela bokgola, go tshela monontshane le go leta diji ga go tsise maduo. A kgothatsa balemi go bona gore tseo tsotlhe ba di sala morago. economy_business_and_finance 3 Mogoko o kopa go thusiwa baithuti Mogokgo wa sekole se segolwane sa Moeng kwa kgaolong ya Tswapong, Rre Abram Thapedi o kopile batsadi ba motse wa Mokokwana go tshwaragana le bogogi jwa sekole sa gagwe mo go kgalemeleng bana ba sekole seo. Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Tswapong Bokone, Rre Prince Maele bosheng, Rre Thapedi o boletse fa bana ba sekole ba dule mo taolong ntateng ya go sa tshwaraganang ga batsadi le barutabana mo thutong ya bana. O boletse fa batsadi ba le maoto a tshupa go tsenelela diphuthego tsa batsadi le barutabana, a supa fa mo bosheng batsadi ba le 167 ba ne ba tsenelela phuthego ya batsadi le barutabana mme palo ya baithuti e le 1256. A re maduo a sekole sa gagwe ga a kgatlhise mme a tlhoka tshwaragano ya bana-le-seabe botlhe. A re bontsi jwa bana ga ba dire sentle mo ditlhatlhobong tsa bone ntswa e le bana ba ba neng ba dirile sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la boraro mme seo se a swabisa. A re mo setlheng se se fetileng bana ba le 30 ba ne ba dira sentle mo ditlhatlhobong tsa bone mme palo eo e ne e le kwa tlase fela thata ka sekole seo se ne se amogetse bana ba ba neng ba dirile sentle ba fetile palo eo go menagane. A re bogogi jwa sekole bo tla a nna le dipuisanyo le batsadi ba bana ba ba neng ba dirile sentle mo lekwalong la boraro go bona gore go ka tswelelwa pele jang O boletse fa bana ba sekole sa gagwe bangwe ba kgona go ngwega mo sekoleng mme ba tsene mo motseng wa Mokokwana go reka ditagi le bojalwa ka go gaufi le sekole, fa bangwe bone ba felela ba tsena mo ditirong tsa borukutlhi jaaka go utswela ba bangwe madi ba bo ba ya go reka ka one gone kwa motseng oo. Rre Thapedi a re mo ngwageng o o fetileng go ne ga tshwarwa bana bangwe ba sekole sa gagwe ba sena go utswa didirisiwa tsa motlakase tse di ka tshwarang P5000.00 kwa lefelong la mabeelo mme ba di rekisa kwa motseng wa Mokokwana. A re motlhala wa dilwana tseo o ne wa isa ditlhotlhomiso gone kwa motseng oo. BOKHUTLO society 9 Dikoloto tsa baithuti boikarabelo jwa batsadi Mothusa tona mo lephateng la thuto go tswa kwa moding, Rre Thato Kwerepe o gakolotse batsadi kwa Rakops go tsaya boikarabelo jwa go duelela bana dikoloto tsa sekole gore ba fiwe ditlankana. Rre Kwerepe o buile jaana mo phuthegong ya kgotla kwa Rakops bosheng, a tsibogela kgang ya komiti ya ditlhabololo tsa motse. A re batsadi ba tseye boikarabelo jwa go duela dikoloto tsa bana kwa dikoleng tse ba neng ba tsena kwa go tsone gore ba tseye ditlankana tse di tlaa ba kgontshang go tsweledisa matshelo a bone. “Batsadi tsayang boikarabelo jwa thuto ya bana ba lona, duelelang bana melato ya bone,” Rre Kwerepe a kopa. Le fa go ntse jalo, Rre Kwerepe o kopile dikole go fa bana ditlankana le fa ba kolota. A re dikoloto tsa dibuka le tse dingwe di tshwanetse tsa lebaganngwa batsadi. Rre Kwerepe a re le fa boeteledipele bo sena thata ya go gana ka ditlankana, batsadi ba seka ba itlhokomolosa boikarabelo jwa bone jwa go duela dikoloto. A re se se tshwenyang ke gore batsadi ba bana ba ba tsenang dikole mo nakong ya gompieno ba itse mosola wa thuto, mme go hakgamatsa go bona ba sena seabe se se bonalang mo dithutong tsa bana le go ba kgalemela. O ba gakolotse go itse gore bana ba fiwa molao ke batsadi eseng barutabana kgotsa bogosi. “Re rolela boikarabelo jwa rona mo bathong ba bangwe, re bo re felela re supa bone ka monwana fa bana ba setse ba dule mo tseleng,” ga bua Rre Kwerepe. Le fa go le botlhokwa gore batsadi ba kgalemele bana le go ba kaela tsela ya nnete, Rre Kwerepe a re ba ele tlhoko e sere gongwe ba iphitlhela ba kgokgontsha. “Kgalemo e e ka fa molaong kana e e dirwang ka mowa wa setho ke go dirisa puo eseng go keteka le go gobatsa ngwana, le go buisana le kaele bana tsela ya boammaruri,” Rre Kwerepe a tlhalosa. E rile a lekodisa mothusa tona ka seemo sa thuto kwa Rakops, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Batsweletse Kgagamedi o ne a leboga dikhamphani tse di tsweletseng go thusa go tlhabolola thuto. Rre Kgagamedi o supile fa Debswana e thusitse ka go rekela sekole se sebotlana sa Tsienyane khombi e e pegang baithuti ba ba nang le bogole le go tlhabolola borutelo jwa bone. O supile gape gore ba Engleton Abattoir le Zanex Hardware le bone ba ikgolagantse le sekole sa Tsienyane ka lenaneo la Adopt-A- School go thusa ka ditlamelo ka go farologana. Le fa maiteko a dirwa ke bagwebi le puso go tokafatsa mananeo a thuto, Rre Kgagamedi o supile fa matlwana a borutelo go balelwa le matlwana a boitiketso mo dikoleng tsa Rakops ka go farologana a tlhoka go baakanngwa. Rre Kgagamedi a re dikole tsotlhe tse di potlana kwa Rakops di tsweletse ka lenaneo la go tsamaisa bana tshipidi tonto. Sengwe se se tshwenyang Kwa Rakops a re ke dipalo tse di kwa godimo tsa baithuti ba ba tshabang sekole. A re monongwaga baithuti ba le lesome le bosupa ba sekole se segolwane sa Rakops ba tlogetse sekole ka mabaka a a sa itseweng. A re se se tshwenyang ke gore bana bao, ba nna le batsadi mme go lebega ba amogetse seemo seo. Rre Kgagamedi a re botlhoka tsebe jwa bana ke kgwetlho ka gore bangwe ba bone ba senya dithoto tsa sekole le go kgoreletsa ba bangwe go ithuta ba phuthologile ba sa boife sepe. O kopile batsadi go ruta bana boikarabelo jwa go lemoga mosola wa thuto. Mokhanselara wa Tsienyane, Mme Batoli Manyuni o lebogetse seabe sa thuto mo go ageng, go godisa le go bopaganya tshaba ya Botswana. Le fa dikgwetlho di le teng, Mme Manyuni a re o lemoga fa go dirwa maiteko go tokafatsa seemo sa thuto. O lebogetse bagwebi ba ba dirang ka natla ka go tsenya letsogo mo tlhabololong ya thuto. Mokhanselara Manyuni a re le fa puso e re baithuti ba ba kolotang ba fiwe ditlankana, maikaelelo ga se gore batsadi ba itlhokomolose boikarabelo jwa bone jwa go duela dikoloto tsa bana. BOKHUTLO education 4 Mokgatlho o abela Khudumelapye Kgosi Othusitse Mosimane wa Khudumelapye kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng o akgoletse maloko a mokgatlho wa Khudu go thusa motse wa bone mo nakong e e thata. O buile se kwa modirong o Khudu Social Club e neng e abela kgotla, kokelwana le sekolo se sebotlana dimpho tsa melora le didirisiwa tse di tshelang melora ka Matlhatso. Kgosi Mosimane a re go anametsa gore bana ba motse e bo e le bone ba di gogang kwa pele mo go abeleng motse. O boletse gape fa a itumelela gore mokgatlho oo ke one o di gogang kwa pele go baakanyetsa moletlo wa kabo dimpho wa sekolo se sebotlana sa motse oo, a supa fa se se tlhofofaleditse barutabana tiro go rulaganyetsa tiro eo. Moeteledipele wa mokgatlho oo, Rre Shadrack Kebaetse, o ne a supa fa mokgatlho wa bone o tlhamilwe ke batho ba Khudumelapye le metse e mengwe. O supile fa ba bereka ka molao motheo mme maikaelelo a bone e le go itlhabolola. Rre Kebaetse o supile fa maloko a emana nokeng fa mongwe ka bone a na le tiro ka go mo kolekela le go tla go mo rotloetsa ka namana. O tlhalositse gape fa mokgatlho oo, o tsisitse tshwaragano le go dira gore bana ba motse oo ba ba berekelang kwa ditoropong ba kgatlhegele go ya gae kgapetsakgapetsa. Rre Kebaetse a re ba ne ba kgona tiro eo ka go thusiwa ke khamphane ya Bidvest Steiner ba sena go ba lemotsha letlhoko la bone. Dimpho tseo di ne di akaretsa didirisiwa tse di tshelang melora di le masome a mabedi, dikupu tsa melora di le masome a mabedi le disutlho di le pedi. O ne a solofetsa gore mokgatlho o tlaa tsisa dithibela molomo le nko mo tsamaong ya nako. Mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Friction Leuwe, o ne a lebogela Khudu Social Club go tlotlomatsa kgaolo ya gagwe. A re o dumela gore fa go ne go se bonolo go simolola mokgatlho oo, mme gompieno ditiro tsa bone di bonala. Mopalamente o kopile mokgatlho go tswela kwa metseng e mengwe gore ba ba rotloetse gore le bone ba tlhabolole metse ya bone. society 9 Puso e gatetse pele ka go thibela mogare go ya kwa leseeng Tona wa botsogo, Dr John Seakgosing a re puso e gatetse pele ka go thibela mogare go tswa kwa go mmangwana go ya kwa leseeng ka dipalo di supa gore mo go bomme ba le lekgolo, ba le masome a fera bongwe le boferabobedi ba tshola bana ba ba se nang mogare e bile mo dikokelwaneng tse dingwe dipalo tse di kgona go tshwara lekgolo. Tona Seakgosing o buile jaana fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Suping le Mmakanke bosheng. Tona o kopile setshaba go tlhokomela bana. A re ga re setshaba ga se kake sa itekanela fa sebopelo sa ga mme se sa itekanela kgotsa peo ya ga rre e bolailwe ke majalwa le metsoko le dipe fela tse di ka koafatsang mmele, a tlatsa ka go re ngwana o bopiwa ke dipeo tse pedi fa di kopana di itekanetse. O tlhalositse gore ke maikarabelo a puso go netefatsa gore peo e, fa e sena go kopana e e emele ka dinao. A re ke ka moo puso e reng fa mme a tlodilwe ke setswalo beke tse thataro a ye go bona ba bongaka ka go ke botlhokwa go bona ba bongaka go tlhatlhoba ngwana yo o mo sebopelong sa ga mmaagwe ga mmogo le botsogo jwa ga mme. A re fa ngwana yo o imilweng ke mme yo o lwalang sukiri a gola thata go a tshwenya ka gore o felela a belegwa ka loaro. Ka jalo, go botlhokwa gore bomme ba ba itsholofetseng ba bone bongaka gore dilo tse di bonwe nako e sale teng. O ne gape a tlhagisa gore ntho ya motho yo o nang le sukiri e bonya go fola fa gongwe ga e fole gotlhelele. Tona o kaile gore mo boimaneng go na le bothata fa mme a na le madi a matona ka a kgona go tlhokafala ka ntata ya bolwetse jo, segolo bogolo fa bo mo tlela a le mo ditlhabing. Gape tona a re diemo tse di ntseng jaana di kgona go dira gore mme a belegisiwe nako ya gagwe e ise e tle. Le fa go ntse jalo, a re seemo se, se ka thibelwa fa mme a ka fefogela go bona ba bongaka. O boile a tlhalosa gore mme yo o itsholofetseng o tlhatlhobelwa malwetse ka go farologana a tshelanwang le a a sa tshelanweng.m A re mme o tshwanetse go tlhatlhobelwa HIV ka a kgona go fetisetsa mogare kwa loseeng. Tona a re ngwana fa a tshotswe o tshwanetse go nna le tlhokomelo ka go isiwa sekaleng kgwedi le kgwedi go bona gore o gola sentle go fitlhelela a nna dingwaga tse tlhano. Tona a re o tshwenngwa ke gore o amogela pego ya gore tsabana jaanong e jewa ke borre. O tsweletse ka gore puso ga e felele fela mo baneng ba ba dingwaga tse tlhano. A re bana ba ba dingwaga tse tlhano go tsena tse di lesome le bobedi ba alafiwa mahala ke puso. O tladitse ka gore puso e dira se gore e re e tlaa re re tshaba e e itekanetseng, go bo go sa bolo go tlhokomelwa ngwana a sale mmotlana. O wetse ka go re fa setshaba sotlhe se ka neelana le puso ka boitekanelo, ke gone re ka kgonang go nna tshaba e e nonofileng ebile e itekanetse ka 2016. E rile ba mo kgwa dikgaba, banni ba Mmakanke ba bolelela tona gore boitekanelo ga bo kake jwa nna teng go se na metsi a a phepa e bile bana ba tsamaya mosepele o moleele go ya sekoleng. Ba kopile tona go ba agela kokelwana ka palo ya batho jaanong e nonofile e bile e fetile makgolo a marataro. BOKHUTLO health 6 Go ngwega ga bana go diga maduo Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Itholoke kwa kgaolong ya Ngwaketse Bophirima, Mme Totanang Serurubele, a re ba tshwenngwa ke bana ba ba tlogelang sekole ka jaana go isa maduo a sekole kwa tlase. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Serurubele a tlhalosa fa bana ba sekole sa gagwe ba itlwaeditse go tlogela sekole mme ba e go nna kwa dipolaseng, kwa bontsi jwa batsadi ba bone ba thapilweng teng. A re ba itshwaragantse le ba khansele gore bana ba ba ngwegang mo sekoleng ba latelwe. A re e re ntswa bangwe ba baithuti bao ba kgona go tsamaya sebaka se se fetang malatsi a le masome mabedi le bongwe a a beilweng ke lephata la thuto gore morago ga one ngwana a bo a sutlhiwa, ba rotloeditswe gore e re ka jaana motse wa bone e le mengwe e e kgakala le ditlamelo ba tswelele fela ba busetse bana bao mo sekoleng nako ya ba boa. Le fa go ntse jalo o supile fa go latela bana kwa dipolaseng go diela barutabana nako ya go ruta ba bangwe, gape le bone bana ba ba siileng ba siiwa ke dithuto. A re selo se se digela maduo a sekole kwa tlase, a supa fa sekole sa gagwe se dikile se fentse maduo a lekwalo la bosupa ka lesome le bosupa mo lekgolong. education 4 Kutlwano e ka thusa “Kutlwano le tshwaragano di ka thusa go kopanya batsadi le bana ba bone go aga bokamoso.” Se se builwe ke Kgosi Shathani Kgakanyane wa Sebina mo potsolotsong. A re nako e gorogile ya gore batsadi ba nne fa fatshe ba buisane le bana ba bone. A re se seka thusa fela thata ka gore ba ka kgona go buisana ka dikgang tse di amang matshelo a bone motlhofo; a re e bile go dira jalo go ka thusa gore bana ba bone ba ikgaphe mo ditaging le go tlogela sekolo ka ntanta ya boimana, a tlatsa ka gore thuto ke yone bokamoso jwa bone. O kopile batsadi gore ba nne le seabe mo dithutong tsa bana ba bone, a re se se ka tsisa kutlwano le popagano e e tiileng e bile go ka boa ga thusa fela thata mo go fediseng dipolaano tsa baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana. Kgosi Kgakanyane o tlhalositse fa maphata a tshwana le la sepodise le la boipelogo a le teng go fa botsadi thuso fa ba palelwang teng. O tlhalositse fa go tlhoka kutlwano le tshwaragano go ka tsisa kwelotlase ya dithuto tsa bana kwa sekolong,le botlhoka tsebe jwa banana. BOKHUTLO health 6 Mabutswapele a Tutume a bolela ditso Lebutswapele la Tutume, Rre Sebalo Makgobota a re magosi a dikgotla tsa Magapatona, Madikwe le Selolwane ke bone batho ba ntlha go thibelela mo motseng wa Tutume ba tlogela merafe ya bone kwa Nkange le kwa Nsuswane. Rre Makgobota o buile seo fa a ne a tlhalosa ka ditso tsa Tutume ka letsatsi le seromamowa sa setshaba se se neng se gasa ka tlhamalalo bosheng. A re ene o tshotswe ka ngwaga wa 1936, a tsholelwa mo motseng wa Tutume a sa itse gore magosi ao a a thibeletseng lantlha go tlhoma motse oo a gorogile ka ngwaga mang. O ne a tlhalosa fa leina Tutume le raya selo se se golang jaaka ekare se a bela mme a supa fa morafe o o neng o setse kwa Nkange fa dikgosi tsa one di tla kwa Tutume o ne wa fuduga ka ngwaga wa 1946 morago ga taolo ya ga kgosi Tshekedi Khama wa Bangwato, a sena go lemoga fa ba bolawa ke lenyora ga mmogo le leruo la bone. Rre Makgobota a re ka dingwaga tseo go ne go sena ditlhabololo mo motseng ba tshela ka go sokola, ba latela marekisetso kwa Nkange mme seo se ba tseye malatsi a mabedi go ya le go boa. A re gape le dikole di ne di le boutsana ba tsamaya sekgele se se telele go ya sekoleng, a bolela fa motse o tlhabologile thata ka ponyo ya leitlho, selo se a se lebogelang thata mme a re ditlhabololo tseo di tswelele go ya pele. E ne erile pele fa a amogela baeng, Kgosi Buyendasi Mbenga a leboga boeteledipele jwa lephata la kgaso go bo le bone go tshwanela go ipelela dingwaga tse di masome matlhano le setshaba. Kgosi Mbenga a re go isa seromamowa kwa bathong go dirile gore ba kgone go lemoga ka fa se berekang ka teng mme a tlhalosa fa ene a ne a tsaya gore se berekela mo ntlong e tona fela ebile ga se kgone go ka fuduga fa se leng gone. Moeteledipele wa lekoko leo la seromamowa sa Botswana, Mme Neo Lenkopane o ne a bolela fa ba tsamaya ba tlhotlhoma le lefatshe la Botswana ka bophara go ipelela dingwaga tse di masome matlhano seromamowa seo se gasa. Leloko la komiti e kgolo e e baakanyetsang boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano, Rre Henry Lechuti o ne a kopa batho ba Tutume go ipaakanyetsa boipuso ka go phepafatsa tikologo e ba leng mo go yone go simolola kwa malwapeng a bone, motse le tsone dikgotla tsa bone tota go di kgabisa ka mebala ya Botswana. society 9 Baikepi o tshela ka legong Mme Manyemudzo Baikepi wa Goshwe mo kgaolong potlana ya Tutume o ikana gore ga gona se se tlaa mmusetsang morago mo go batleng ditsela tsa go itshetsa. Ka jalo ga a ipone tsapa go ralala sekgwa go batla legong le a ka le dirisang go betla. Mme Baikepi, yo o dingwaga tse di masome mane, a re rraagwe e ne e le mmetli wa dikika, dijokwe le dilo ka go farologana. E rile mmonnamogolo a sena go hulara, Mme Baikepi a tsaya di dirisiwa tsa gagwe gore le ene a lekeletse gore o ka seke a dire jaaka a ne a bona rraagwe a dira. A re ka lone letsatsi leo ga a ka a leba kwa morago. O ne a tswelela a dira mme a bona batho ba kgatlegela tiro ya gagwe, selo se se neng sa mo tiisa moko. O tsweletse a bolela fa tlhotlhoetso e a neng a e fiwa ke batho ba motse e ne ya dira gore a tswelele ka tiro ya gagwe ya go betla dikika, metshe, ditilo le tse dingwe. A re e ne ya re a santse a tshwere ka thata a dirisa didirisiwa tsa ga rraagwe, ofisi ya boipelego ya mothusa ka thulaganyo ya nyeletso lehuma ka go mo rekela dishaga le di dirisiwa tse dingwe tse di botoka mo go tse a neng a di dirisa pele. Mme Baikepi re seo se ne sa motlhofofaletsa tiro. Mo nakong ya gompieno legong o le leba ka matlho fela go be go tswa se a eletsang go se dira ka ponyo ya matlho. A re le dilo tsa gagwe di kgona go rekwa fela thata ka thusa ya ofisi ya nyeletso lehuma. Mme Baikepi, yo o o nang le bana ba le bararo, o supile fa a kgona go tlamela bana ba gagwe le go ba tsenya dikole ntle le matshwenyego ape. O ne a gwetlha bomme ba bangwe go ema ka dinao go na le go ikaega ka borre. Mme Baikepi o dumela gore motlhala wa khumo o mo ntsi mme o tlhoka balatedi. economy_business_and_finance 3 Dikgosi di kopa puso go emisa thekiso ya majalwa a Setswana Dikgosi tsa metse ya Tswapong di kopile puso go emisa thekiso ya majalwa a Setswana gore lefatshe leno le kgone go itebaganya le go hema go tlhagoga ga COVID-19. Fa ba akgela kwa bokopanong jo bo neng bo tshwerwe kwa molelwaneng wa Martins Drift ka Laboraro go sekaseka ipaakanyetso tlhagogo ya mogare, Kgosi Jimmy Moremi wa Ngwapa o ne a supa fa a tshwenngwa ke thekiso ya majalwa a Setswana, segolo jang jo bo dirwang ka magapu jwa setopoti, a re bo ka rotloetsa go tsenwa le go anamisa mogare wa bolwetsi jwa COVID-19. A re majalwa a Setswana a tshwanetse go tswalelwa fela jaaka marekisetso a bojalwa a mangwe go itsa go kgobokana ga batho le go fapaanela dikopi tsa bojalwa. Kgosi Moremi o ne gape a supa fa a tshwenngwa ke batsadi ba ba sa tlhokomeleng bana mme ba ba tlogela ba tshamekela gongwe le gongwe, a re seo se baya matshelo a bone mo diphatseng. O ne gape a gakolola banni ba Ngwapa, Mokobeng, Machaneng le Letoreng ba a reng ba tlwaetse go tlola molelwane ba ya Afrika Borwa ba sena dipasa a re se se ka baya batho ba metse eo mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare. Ka jalo o ne a kopa gore ba molao ba itebaganye le matshwenyego a go tila gore mogare o tsene mo lefatsheng leno. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Theo Selebatso wa Lerala, o ne a kopa gore puso e anamise ditsompelo di tshwana le melora e e tlhapang diatla le e bolayang megare kwa dikgotleng le dikgotlana, kwa e leng gone kwa morafe o yang thata teng go kopa dithuso. Mookamela lephata la botsogo mo kgaolong ya Serowe/Palapye, Dr Gobusaone Morupisi ene o ne a tlhalosa fa ba botsogo ba le malala a laotswe go lwantshana le go tlhagoga ga mogare wa bolwetsi COVID-19. Dr Morupisi o ne gape a re ba tshwaragane le mapodisi go bona gore melao e e beilweng ke puso go lwantsha tlhagogo ya mogare e a diragadiwa ka go tsaya botlhe ba ba gorogang go tswa Afrika Borwa ba ba isa kwa lefelong le le faphegileng malatsi a le lesome le bone. A re ka Labobedi, ba kgonne go isa batho ba le masome mane le borataro mme ba solofetse gore dipalo tseo di oketsege fa molelwane wa Aerika Borwa o tswalwa. A re mathata a a teng ke bakgweetsi ba dikoloi tse ditona ba ba tlang le ditsala, a re mo seemong sa go nna jalo ga ba letlelele gore ditsala di ka feta le bakgweetsi mme batho ba go nna jalo le bone ba isitswe kwa lefelong le le faphegileng go fitlhelela malatsi a a lesome le bone a wela. health 6 Seemo sa matlakala se bifetse pele Banni ba Kopong kwa Kweneng ba lela ka seemo sa matlakala se se bifetseng pele kwa motseng wa bone. Mo potsolotsong, mogolwane mo lephateng la tshomarelo tikologo Mme Sibi Bob o supile fa ba tshwentswe ke seemo sa matlakala segolo bogolo mo masimong a a dikologileng. Matlakala a, a akaretsa mabotlele, dipampiri le leswe le le lebegang le tswa mo madirelong a matona a a tshwanang le a go rekisediwang dino le dijo le a mangwe. O tsweletse ka go tlhalosa gore go na le dikhamphani dingwe tse di tswang kwa Gaborone di tla di rwele matlakala ka dikoloi tse ditona mme ba fete ba tshololele matlakala mo masimong. A re go supafetse gore se ga se dikompone fela di dirang jalo le batho ba latlhela matlakala koo. Mme Bob a re matlakala a, a diphatsa ka a na le ditshipi, metswako e e botlhole, samente le dilo dingwe tse di sa itsagaleng mo teng ka jalo dilo tseo di baya banni ba masimo le leruo la bone mo diphatseng. A re matlakala ao a kgotlela tikologo le metsi a a bonwang mo dinokeng le melatswana e e mo tikologong ya masimo a bone. O tlhagisitse morafe fa se e le molato o motho a ka o elang kgolegelong dikgwedi tse thataro kana a lefa madi a a kanang ka makgolo a marataro a dipula. Mongwe wa barui ba go tshelwang matlakala mo tlase ga masimo a bone Rre Cassius Molefe o supile fa a sa itumedisiwe ke gore leruo le ja matlakala mme le latlhegelwe ke boleng le go tsenwa ke malwetsi tota. A re se batho ba ba se dirang ke go paledisa mananeo a puso a tshwana le LIMID le a banana ba ba filweng madi ke ba lephata la banana go tsweledisa dikgwebo tsa temo-thuo ka gore leruo la bone le felela le amiwa ke matlakala ka ditsela tse di farologanyeng mme dipoelo e nne tse di sa nametseng ka nako ya thekiso. Mme Bob o supile fa bophepa e le konokono mo go gateleng pele ka tebelopele ya lefatshe leno, ka jaana lengwe la matshego a tebelopele le supa fa re tshwanetse go nna tŝhaba e e itekanetseng mo go tsa botsogo. O supile fa mo nakong e e fetileng motse wa Kopong o ne o itsege ka bophepa mo kgaolong ya Kweneng ka jaana o fentse dikgaisano tsa motse o o phepa makgetho a le mabedi ka tatelano. A re mme ba tshwenyegile ka maiteko a bone a sa atlega monongwaga ka ba gapile maemo a boraro go tswa ko go a ntlha. O bile a re lephata la bone le leka gotlhe go rotloetsa morafe go phepafatsa tikologo, mme a re se, e felela e le ditoro fela ka bangwe ba goga dinao fa ba bangwe ba iteka ka ba dumela fa bontle bo itirelwa. environment 5 Bagodi ke teemane Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama a re o leboga bagolo ba lefatshe leno ka ba dirile go le gontsi gore lefatshe leno e nne se e leng sone. Tautona Khama o buile se jaaka a ne a kopane le bagodi go ba abela dikobo ka Tshipi kwa kgotleng ya Manamakgotle kwa Mochudi. A re e tla bo e se setho gore Batswana ba lebale bagolo ka se ba se diretseng lefatshe leno. Tautona Khama o ne a kopa bagolo go ikopanya gore batle ka mananeo a puso e ka ba thusang ka one. A re mo diphuthegong tse a ntseng a di tshwara, bagodi ba a lela ka jaana go sena mananeo a a ba lebaneng mme ka jalo ba salela kwa morago mo go itireleng. Tautona Khama a re ba supile fa banana ba tlhokometswe ka mananeo a bone mme bone ga gona sepe se ba ka ithusang ka sone. O ne a kopa gore bagodi ba kgaolo eo ba ikopanye mme ba buisane ka mananeo a ba akanyang gore ba ka thusiwa ka one. A re fa ba sena go buisana ba ikopanye le molaodi gore a ba gokaganye le ene ba mo etele kwa ofising ya gagwe gore ba supe mananeo a ba bonang a ka ba sologela molemo. E re dikgang di eme jalo, Tautona o ne a supa fa mo dikgweding tse di tlang, puso e tla dira ditshekatsheko ka mananeo a a lebaganeng le ba-na-le-bogole gore le bone ba kgone go thusiwa ka mananeo a a ba lebaganeng. E rile go le pele fa Kgosi Segale Linchwe a amogela tautona a supa fa gona le dikgotlana di le tlhano tse di tseetsweng dithata tsa go sekisa (warrant) mme ka jalo ba sokola e bile gape dikgosana tseo dine tsa kgaolelwa madi. O ne a kopa tautona go ba fa koloi mme e bile e ne a batla ya gagwe ka jaana ba sokola gore ba thuse setshaba mme gape a supa fa ba tshwenyegile ka batho ba ba thubetsang bomme mo tseleng e e yang kwa sekolong se sebotlana sa Linchwe a re o kopa gore go bewe mapodisi go thusa seemo seo. Kgosi Segale o ne a lemotsha Tautona Khama fa batshwara madi mo dikgaolong ba sokola ka lebaka la dikoloi mme jalo bangwe ba bone ba felela ba pagama dikoloi tse e seng tsa puso mme seo se borai ka dilalome di ka ba a phamolela e bile gape e se yone tsamaiso. E rile a araba Tautona Khama o ne a solofetsa kgosi gore e tla re ka mosupologo ba sekaseke dikgang tsa gagwe mme batla bona gore ba mo thusang jang mo go tsone. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Bosinah Moetlo le ene o ne a kopa tautona gore a ba tswe thuso ka jaana ba filwe setsha mo Matshabe Game Park gore ba age dikago tsa ditso (cultural village) mme ga bana madi le ditsompelo tsa go simolola dikago tseo. O ne gape a leboga tautona ka jaana a ba etetse e bile le bone bat la amogela dimpho tsa dikobo go tswa mo go ene. Mme Moelto a re ga ba bolo go nyorelwa go mmona ka a tsamaya mo dikgaolong tse dingwe a abela bagodi mme ba itumetse ka ba kopane le ene. Tautona o ne a ba abela madi a a kanang ka P10 000 mme a ba solofetsa go tswelela a ba thusa go ya pele. BOKHUTLO society 9 Molelo wa kgolagano o kopanya ba Palapye Molelo wa kgolagano o gorogile ka Labobedi mo kgaolong ya Palapye o amogelwa lantlha mo kgaolong eo ke motse wa Moreomabele le Topisi. Kgaolo ya Palapye e dirwa ke metse e e masome mabedi le bosupa, e e mo dikgaolong tsa botlhophi tsa Serowe Bokone, Mmadinare, Lerala/Maunatlala, Serowe Borwa le Palapye. Molelo wa kgolagano o solofelwa go tsamaya le mafelo a go fitlhela o goroga ko motseng wa bofelo ebong Palapye kgwedi ya Motsheganong e tlhola boferabongwe ko e tlaa reng o tswa foo o amogelwe ke kgaolo ya Boteti. Fa a amogela molelo oo mo boemong ja banni ba kgaolo ya Palapye, mothusa molaodi Mme Segametsi Koontse o lebogetse molelo wa kgolagano mme a tshephisa go o tukisa mo dikgaolong tsotlhe tsa kgaolo ya gagwe. A re molelo wa kgolagano o supa popagano, kutlwano, bopelotelele le lorato le Batswana ba tshelang ka jone. A re se ga se a tla fela ka e le mowa o Batswana ba o anyileng mo batsading ba bone ba ba ileng ba dira motheo wa puso ya batho ka batho. Mma Koontse o ne a amogela molelo go tswa ko go mothusa molaodi wa kgaolo ya Bobirwa Rre Mooketsi Lesetedi yo le ene a supileng fa molelo o o bonesitse kgaolo ya Bobirwa yotlhe. Molaodi Mma Koontse o ile a rolela Kgosi Collen Seema go o isa ko motseng wa Moreomabele o e nnileng one wa ntlha go amogela molelo o mo kgaolong ya Palapye. Kgosi Seema o ile a supa fa banni ba Moreomabele ba itumetse fela thata go bo ba nnile bone ba ntlha go amogela molelo mo Palapye mme a solofetsa go tswelela a netefatsa gore kutlwano, popagano le botho jo Batswana ba itsegeng ka jone ga di ba tswe diatleng. Fa a tswa la gagwe Kgosi Kgololo Motshwaedi o ile a tlhalosa fa molelo wa kgolagano e le sekao sa tlotlo e Batswana ba nang nayo. A re lefatshe leno ke lefatshe le le tlotlang molao ka jalo bagolo le bana ba tshwanelwa ke go itlotla le go tlotlana. A re Batswana ke batho ba e reng ba kopana ba dumedisane mme se se tsetse kgololesego le kagiso. Molelo o o ile wa isiwa ko sekoleng se sebotlana sa Moreomabele mme morago wa amogelwa ko Topisi ke Kgosi Kgomotso Boiditswe yo le ene a ileng a supa fa molelo o o kopanya Batswana o ba dira selo se le sengwe. A re semorafe se tshwanetse go fela mme go rene kagiso fela. A re molelo o tlaa bonesa le sekole se sebotlana sa Chakaloba mme o age baeteledipele ba kamoso ba lefatshe le ba ba tlaa tsogang ba gata mo dikgatong tsa batsadi ba bone ba busa lefatshe leno ka boikarabelo. Molelo o o ile wa isiwa gape ko kgotleng ya bogologolo ya Topisi le ko Tloutswe-mogala. BOKHUTLO society 9 Godisetsang bana mo Modimong - kgosi Go botlhokwa thata go godisetsa ngwana mo tseleng ya tshiamo ka go thusa go fokotsa mewa e e maswe mo go ene e akaretsa mowa wa kgokgontsho. Fa a bua mo letsholong la go lwantsha kgokgontsho ya bong bosheng, Kgosi Mpeo Mpeo a re ka fa ngwana a godisiwang ka teng go laola ka fa a tsileng go tshidisanya le ba bangwe ka teng fa a ntse a gola. A re dikgang tsa kgokgontsho ya bong di tsweletse ka go kekela mme seo se supa fa bontsi jwa batsadi ba latlhegetswe ke tsela e e siameng ya kgodiso ya ngwana. O tsweletse ka gore bangwe batsadi ga ba ke ba kgalemela bana ba bone fa ba sa dire sentle ka ba tsaya gore ba a ba rata ga ba batle go ba utlwisa botlhoko. Kgosi Mpeo o kopile batsadi gore ba lebelele botshelo kwa pele, ba itse gore se ba se rutang bana ba bone le bone bana bao ba tsoga ba se ruta ba bo ba se dira mo go ba bangwe. A re kgokgontsho e ama dikgang di tshwana le go kganela ngwana go tsena sekole, go mo tima dijo le go roma ngwana dino kgotsa ditagi. A re e tla a bo e re botshelo bo ntse bo tsweletse, kgokgontsho e tla a bo e gola go simolola go nna le dikiteo le go itseela dikobo ka dikgoka gareng ga tse dingwe, ke ka moo bomme le borre ba lelang ka dikgang tsa kgokgontsho Kgosi Mpeo o kopile setshaba go bega dikgang tsa kgokgontsho gore di tle di rarabololwe go sa na le nako. O supile gore lengwe la mabaka a gore kgokgontsho e bo e kare ga e laolesege ke gone gore dikgang tsa teng ga di begiwe. A re setshaba se emise dikgang tse di tshwanang le gore dilo tsa lelwapa la ga mmasemangmang ga di nkame. O tsweletse a re batho ba tshwanetse go itse gore lefatshe leno ke la rona rotlhe jalo fa motho a bona sengwe se sa tsamae sentle golo gongwe o tshwanetse go itsese ba ba maleba ka bofefo. Fa a bua mo boemong ja mookamela mapodise a Machaneng, Constable Botshelo Molubi o supile fa ba tshwenngwa ke dikgang tsa kgokgontsho ya bong tse ba sa di begelweng. A re kgaolo e ba e okametseng e na le dikgang tse dintsi thata tsa kgokgontsho. Mme Molubi o supile gore mo dipegong tse di mmalwa tse ba kgonneng go di amogela, ba lemogile fa modi wa seemo seo e le ka fa batho ba godisitsweng ka teng. O supile gore fa ngwana a godisiwa ka tsela e e siameng, o ya go gola a itse molemo le bosula. Mme Molubi o kopile borre gore ba emise tumelo ya gore fa ba ka ya go bega gore ba a kgokgontshiwa mapodise a ka ba tshega. O tsweletse ka go supa fa kgokgontsho e ama itsholelo ka go dirisiwa madi a mantsi go latedisa dikgang dingwe tsa kgokgontsho mogodimo ga moo fa mokgokgontshi a le mo kgolegelong puso e tlamega go mo fa tlhokomelo ka madi a a seng kana ka sepe. O boletse fa kgokgontsho gape e ama maduo a bana mo dikolong ga mmogo le a bagolo mo ditirong. Mme Molubi o kopile batsadi gore ba fe bana morero mo lwapeng gore ba kgone go ba thusa go rarabolola dikgang dingwe tse di ka bakang kgokgontsho. Mongwe wa batsadi, Mme Keletshabile Gobotswang a re fa kgokgontsho e simolola go nna teng mo bathong, go a bo go supa gore ga go na lorato gareng ga bone. Mme Gobotswang o boletse fa lerato le le siameng ele le le nang le maduo a mantle, eseng le motsadi a sa kgalemeng ngwana. O rotloeditse setshaba go kopa dithuso mo bodireding jo bo maleba fa ba kgokgontshiwa pele ba ka tsaya ditshwetso tse e seng tsone ba ipolelela gore ke gone jaaka ba rarabolola mathata a kgokgontsho. education 4 Naga ya leruo e fedile - Gaborone E re ka jaana naga ya leruo mo kgaolong ya Tlokweng e sa tlhole e le teng, leruo le a tshwenya ka go hulela mo motseng ka seo se tlisa kgotlhang mo banning le barui. Mothusa Kgosikgolo ya Batlokwa, Kgosi Michael Gaborone o boletse fa kgang ya leruo e tshwanetse ya lebelelwa ka leitlho le le nchocho go bona gore go ka dirwa jang ka lone. Kgosi Gaborone o boletse seo mo potsolotsong le lekalana la BOPA, a tlhalosa gore go lebelelwe gore leruo le masimo di sale di nna teng banni ba ise batle mme kgolo ya motse e setse e babaletse maismo le naga ya phulo. Kgosi Gaborone o tlhalositse fa gone ga seka ga dirwa thulaganyo ya gore jaanong fa batho batla kana motse o atolosiwa leruo lone leya kae ka ga le kake la nna kwa masimo ka le ka senya dijwalo tsa balemi. O boletse fa beng ba leruo leo ba batla go ruwa fela jaaka Batswana ba bangwe ebile bana le yone tshwanelo ya go bewa le tsone ditsha, mme e se gore Batlokwa ga ba tlhokomele leruo la bone jaaka batho bangwe ba akanya kana gotwe Batlokwa ga ba dise le ntshwa ba tseetswe masaka le mafudiso. O tlhalositse gore, gore batho ba kgone leruo ke gore ba fiwe kwa ba ka bayang leruo teng e leng mafudiso go itsa gore leruo le seka la senyetsa batho, a tlatsa ka gore masimo a seka a tsewa mo bathong mme go lebelelwe gore diruiwa tsa bone di tla ya kae go sekasekiwe seemo pele. Kgosi Gaborone o boletse gore fa go sena lefatshe ga gona jaaka go ka dirwa ka leruo ga le kake la tlholwa le setswe morago bosigo le motshegare ka lone le a thoba goya kwa le batlang go tsamaela teng. O tlhalositse fa bogodu jwa leruo bo tshwenya ka dirukhutlhi di kgaola terata dibo di kgona gole tlodisetsa kwa lefatsheng le le mapabi la Aferika Borwa. O tsweletse a tlhalosa fa seemo se ne se retibetse jaaka ba sesole sa Botswana bane ba santse ba kata go bapa le terata e e kgaoganyang Botswana le Aferika Borwa, a tlatsa ka gore fa ba sesole ba seo go nna motlhofo gore leruo le utswiwe mme le tlodisiwe terata. O boletse fa lefatshe le lennye lena le ditlamorago gammogo le go atumela toropo ele mathata a matona, a tlatsa ka gore go botlhokwa gore batho ba lebe kgang ya leruo sentle bogolo jang le le nnang kwa Tlokweng. environment 5 Dipolaano di tshwenya banni Ba kgotla yoo ra Tshosa kwa Serowe ba lela ka dipolaano tsa baratani tse di kekelang. Ba kuile mokgosi o mo phuthegong ya kgotla e e neng e beditswe ke mopalamente wa Serowe bokone botlhaba gape e le tona wa itshireletso, Rre Dikgakgamatso Seretse ka Labotlhano. E rile modulasetilo wa komiti ya twantsho borukuthi mo kgaolong yoo-Tshosa, Rre Gapele Matheatau, a lekodisa, a tlhalosa fa ba wetswe ke seru sa dipolaano tsa baratani ntswa borukutlhi bo ile kwa tlase. Rre Matheatau a re dintsho tse di neng tsa ba apesa ka kgwedi ya Seetebosigo di ne tsa ba tlama go tlosolosa phuthego ya kgwedi eo e tlhola letsatsi. A re dintsho tse ke tsa banana ba bolaya bakapelo ba bone mme morago ba ipolae. Mongwe wa baagi ba motse, Rre Gaamangwe Keitshokile, o ne a re fa e sale a tsalwa ga a ise a bone ditiragalo tsa mofuta o, mme a ipotsa gore fa banana ba ipolaya jaana a ba tlaa kgona go nyalana. Fa a ba kgwa dikgaba mopalamente, Rre Seretse a tlhalosa fa puso e bone go tshwanela go simolola tirelo setshaba ya sepodise. Rre Seretse o tlhalositse fa tirelo setshaba ya mothale o e tlaa thusa go aga botho jwa banana gore ba ikgaphe mo ditirong tsa borukuthi le go tila dipolaano le ditlhapa. O tlhalositse fa baithaopi ba tirelo setshaba ba tlaa thusa ka go tsena mo malwapeng go rutuntsha batho ka mowa le boitshwaro jo bo letlelesegang mo setshabeng. Mo go tse dingwe banni ba ne ba supa ngongora ka lenaneo la go busetsa bana kwa sekolong ba re le kgoba banana marapo ka bomogoloabone ba feditse dithuto kwa dikoleng tsa thutelo ditiro mme ba sa bone ditiro. Mookamedi wa tsa thuto le tlhabololo dikitso wa kgaolo ya Serowe-Boteti Mme Bernadette Monagen o tlhalositse fa lenaneo la go busetsa bana dikoleng le tsweletse. Mme Monageng o tlhalositse fa diphetolo di tsweletse, a re nako dingwe di a diega go lebeletswe gore sekole se ngwana a ikopetseng kwa go sone se bulwa leng. O ne a tlhalosa fa ba ba nang le dingongora ba ka ikopanya le bone kwa diofising mo Serowe go thusiwa nako e le teng. crime_law_and_justice 1 Semorafe ga se tlhokafale Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o kaile fa bogosi e le jwa morafe, ka jalo fa bo tlhakanngwa le dipolotiki bo ka tsala semorafe se se sa tlhokafaleng mo lefatsheng leno. O buile jaana a dumalana le monni wa Nata, Rre Justice Davis yo o neng a gakolola setshaba go sa kopanyeng merero ya bogosi le sepolotoki. Rre Davis o kaile fa go sa farologanyeng bogosi le sepolotiki go ka baka semorafe, go senya ledula le thitibalo e e renang mo Botswana. Erile a mo kgwa dikgaba, Dr Masisi a dumalanana fa ruri go intshunya nko ga magosi mo sepolotiking go ka tlisa semorafe. “Fa bogosi bo tlhakanngwa le polotiki go ka tsala semorafe, ka go re o tla a re kgosi e ke yame ke a e sireletsa, e kete kgosi e mo ntweng, wena o bo o tlhabana, mme se se ka kgaoganya lefatshe ka ba o tlhabanang nabo ba na le dikgosi le bone,” Tautona Masisi a tlhalosa. O tlhalositse fa mo mafatsheng a mangwe a a senang kagiso go simologile fela ka mokgwa o, mme ga gola ka monokela batho ba akanya gore go sireletsa kgosi ya bone go gaisa ga ba bangwe. “Re Batswana fela rotlhe, ka jalo re itse maemo a bogosi gore a batlwa jang e bile a kwa kgotleng. Fa o tsaya maemo ao o bo o ya dipepereng o tlaa kopana le bone ba dipepere koo mme gongwe o ya go boela morago o sa nna jaaka o ne o ya kwa, le seriti se seo. Fa kgosi e sena seriti go bothata,” tautona a tlhalosa. A re puso ya Botswana fa e bopiwa morago ga ditlhopho tsa 1965 molao-motheo wa lefatshe leno le melao e e neng ya dirwa morago ga moo e ne ya kgaoganya tsamaiso ya puso, ka jalo Botswana a na le matshego a mararo a tsamaiso puso. A re letshego la palamente le le dirang melao le bopiwa ka baemedi ba ba itlhophetsweng ke dikgalo mme baemedi ba bantsi ba pathi e e rileng e le bone ba tlhamang puso mme ba tsamaise merero ya puso ka lenaneo la ditsholofetso tse ba neng ba ipapaletsa dithopho ka lone. “Ditsholofetso tse ba neng ba le di neela ke tsone tse ba tlaa bong ba di diragatsa. Ba dirisa palamente go kopa madi e bile ba dirisa Palamente go dira melao kana go e baakanya.” Dr Masisi a re letshego la boraro ke la baatlhodi le le diragatsang le go ranola melao e e dirwang ke palamente go setswe morago molao-motheo. A re letshego la boraro la khudu-thamaga ya matona e e akaretsang Tautona, mothusi wa gagwe le matona a puso le diragatsa le go kopa madi kwa palamenteng, go tsamaisa mananeo le merero ya puso. Tautona a re dithata pele ga boipuso ka bontsi e ne e le tsa magosi, ba sekisa ba bo ba atlhola, ba aba lefatshe e bile ba thapa batho ba ba berekang le bone. O tlhalositse fa puso e ne e le ya segosi, ka jalo go ne go sena diphathi tsa sepolotiki tse di ipapatsang. A re mo molao-motheong o o mo tirisong go simolola ka 1966, bogosi ga bo sa tlhole bo laola jaaka pele. “Bogosi ga bo yo mo sepolotiking gothelele. Fa motho a tsaya maemo a bogosi o tshwanetse go bereka merero ya selegae, ya batho, ya ngwao le molao wa setso. Lefatshe le la Botswana ke la puso ya batho ka batho e mo go yone batho e leng bone ba nang le thata ya go tlhopha puso, e seng e e tsalelwang ya sennela ruri.” tautona a tlhalosa. Dr Masisi a re tsa kwa kgotleng tsa bogosi ke tsa bogosi le gore yo o sa tsalwang e se kgosi o ka seke a tsamaya a nna kgosi fa e se wa mo toropong kgotsa wa mo metsing e mesha kwa go tlhophiwang magosi a teng. A re mo tsamaisong ya molao- motheo wa Botswana go na le Republic of Botswana e seng Kingdom ka of Botswana, a supa dikgaolo tsotlhe e le karolo ya Republic of Botswana. “Ga go na Kingdom of North East. Ga gona kwa e leng gore bogosi bo laola tsamaiso ya puso mo kgaolong kana motse ope. Seemo se le se tlhaloganye ka gore re tloga re itebala re re re mo lefatsheng le e seng lone.” society 9 Setlhopha se fetola matshelo Setlhopha sa motshameko wa serala sa Namane Ya Moroba go tswa Thamaga se itomile molomo wa tlase go fetola matshelo a banana ba motse oo ka go ba ntsha mo mebileng. Moeteledipele wa setlhopha seo, Rre Osekile Tlhakujame o ne a tlhalosa fa ba ne ba lemoga fa botlhoka tsebe jo bo teng mo motseng oo bo kukediwa ke gore banana ba nna ka diatla. A re banana ba Thamaga ba boitseme mme e bile ga go na sepe se ba se dirang ntle le nnotagi le borukutlhi. Ka jalo e le ba setlhopha sa Namane ya Moroba ba bona go tshwanela go leka go rarabolola bothata joo ka go tsaya bangwe ba banana go nna maloko a mokgatlho oo. Rre Tlhakujame o ne a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go ngoka banana ka dipalo tse di kwa godimo go tsenelela mokgatlho oo go leka go ba ntsha mo mebileng le go ba ruta botho ka jaana botho e le selo se ba se tlotlang thata e le mokgatlho mme e bile ba dumela fa ngwana yo o nang le setho a ka ya golo gongwe mo botsheong. O ne a tlhalosa fa a itumelela go bona banana bangwe ba supa kgatlhego mo go tseneleleng setlhopha seo, a re se se supa fa ba batla go fetola matshelo a bone. Rre Tlhakujame yo o neng a tlhalosa fa le ene a kile a tsamaya tsela ya botlhoka tsebe, a re o lemogile fa kgodiso ya ngwana go tswa kwa lwapeng e le botlhokwa thata. A re bana ka bontsi ba latlhegelwa ke tsela kwa malwapeng mme maitseo a a makgasa a ba a supe fa ba tsena kwa bathong. O ne a kgothatsa batsadi go godisa bana sentle le go itshwara sentle fa pele ga bana ka jaana ba ithuta dilo ba sale bannye mme e bile dilo tseo di nna mo ditlhaloganyong tsa bone lebaka le leleele. Namane ya Moroba ke setlhopha se se batletseng maloko a sone sebaka sa go ithuta kwa dikoleng tsa ithutelo tiro ya diatla le go batla mebereko. Rre Tlhakujame o ne a tlhalosa fa seo e le sone se ba se batlang ka tota ba batla go fetola matshelo a banana. O tlhalositse fa ba ka seke ba ineele mme ba tlaa tswelela ka go thusa banana le go ba batlela diphatlha tsa mebereko. Setlhopha se, se bereka le makalana a tswhana le MVA FUND a a ba thusang ka madi fa ba diragatsa mo motseng go rutuntsha banana ka nnotagi le dikotsi tsa dikoloi. arts_culture_entertainment_and_media 0 Mopalamente o leboga batlhophi Mopalamente wa kgaolo ya Jwaneng-Mabutsane Rre Shawn Ntlhaile o akgoletse banni ba metse ya Thankane le Samane go bo ba nnile le seabe mo ditlhophong tsa lefatshe tsa ngogola. Erile a buisa diphuthego kwa metseng eo bosheng, Rre Ntlhaile a tlhalosa fa go tlhopha ga bone ene ese go diragatsa tshwanelo ya bone fela, mme ebile go tlhotlheletsa puso ya batho ka batho e lefatshe leno le itsegeng ka yone. O ba boleletse gore jaaka ele morongwa wa bone o mosha, o ikaelela go emela kgaolo ka dinao a tshwaragane le badiri ka ene kwa khanselelng gammogo le badirela puso. A re tshwaragano ya batsaya-karolo ka go farologana key one e ka thusang go fefosa ditlhabololo mo metseng ya bone le go ba tlisetsa ditirelo ka nako. Rre Ntlhaile are ere ntswa batho ba farologanye ka diphathi tsa sepolotiki, ba tshwanetse go beela diphapang tseo kwa thoko mme ba bereka mmogo go itebaganya le go tlisetsa Batswana ditlamelo. A re ere ntswa ele ene morongwa wa kgaolo, o tlaa ba a ikaegile ka ofisi ya ga molaodi ka bogakolodi ka jaana ele yone e lomaganyang ditlamelo le ditirelo tsa kgaolo. Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Ntlhaile one a supa fa maduo a sekole se sebotlana sa Thankane a le kwa tlase fela thata mme ebile ele seemo se se tlhokang go potlakelwa. A re ere ntswa a lemoga gore go ka tswa go na le dikgwetlho, batsadi ba tshwanetse ba ema ka dinao go thusanya le bogosi jwa sekole go tokafatsa maduo a bana. A re ba tshwanetse ba thulanya ditlhogo go tswa ka thulaganyo e e tsepameng e e tlaa thusang go tokafatsa seemo ka bonnyennyane jwa ditlamelo tse di leng teng. Erile bamo kgwa dikgaba, banni ba motse wa Samane ba tlhalosa fa dituelo tsa babereki ba Ipelegeng di tsaya lobaka fa ba sena go wetsa tiro. Bare selo se se dira gore ba feletse ba adima madi gore ba kgone go rekela bana dijo. Ba boletse fa gape ba sena kitso e e tletseng ka mananeo a nyeletso lehuma mmeba felele ba palelwa ke go a akola jaaka go tshwanetse. Ba ne ba kopa gape gore ba letlelelwe go tsaya ditlamelo kwa Jwaneng ka go le gaufi le bone gona le Mabutsane. Kwa Samane gone Mme Dineo Petso o ne a kopa gore ba remelwe ditlhare ka lenaneo la Ipelegeng go henosa ditsela tsa masimo ka jaana go sena fa diterekere di fetang teng go ya go lema. Ba bangwe ba ne ngongorega ka dituelo tse di kwa godimo tsa metsi, tse ba reng di ba itsa go akola mananeo a nyeletso lehuma sentle a tshwana le ditshingwana tsa merogo politics 7 Mothusa tona o kopa ba Masunga Batswana ba kopilwe go tshwaraganela mokgweleo wa go tlhabolola metse le dikgaolo tsa bone ga mmogo le lefatshe ka bophara. Kopo eo e dirilwe ke mothusa tona wa peeletso, papadi le madirelo gape e le mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, Rre Biggie Butale a tshwere diphuthego tsa kgotla kwa Moroka, Mapoka le Nlapkhwane kgwedi eno e tlhola gatlhano. O kopile banni go itse fa lefatshe leno le santse le lebanwe ke tlhaelo ya madi, ka jalo ba tshwanelwa ke go abelana megopolo tebang le go dirisa bonnyenyane jo ba tla bong ba na le jone. A re e re ka jaana puso e tsere tshwetso ya go abela kgaolo nngwe le nngwe P10 million go o kgaoganya ka metse go diragatsa ditlhabololo dingwe, go mo maruding a banni go tlhomamisa gore ba buisana le go abelana megopolo ka fa ba tla dirisang ka teng madi a a abetsweng metse ya bone. Rre Butale o ba gakolotse go dirisa madi ao mo go diragatseng ditlhabololo tse ba di eleditseng, a re sepe se ba tla se tlhophang mme sa seka sa wela, ba itse fa ba tla se tsweledisa mo legatong le le latelang la kabo ya madi ao, ka jaana a abiwa ngwaga le ngwaga. O ne a tshwaela jalo a tsibogela matshwenyego le dikopo tsa banni, a re ka ntlha ya tlhaelo eo ya madi ba itse fa dingwe tse ba di eleditseng mo motseng ya bone, di tla sekasekiwa mo tsamaong ya nako. Mabapi le seemo se se tshwentseng banni ba metse eo sa tsela e e fetang ka metse ya bone ya Mulambakwena/Ramokgwebana, Rre Butale o ne a tlhalosa fa puso e tsere tshwetso ya go nna e tsaya madi a lekgetho la leokwane go itebaganya le go dira ditsela tsa lefatshe leno ka bophara. A re seo se raya gore le yone tsela eo e tlaa dirwa ka go tlhatlologana ga malatsi, a tlatsa gape ka gore mabapi le dikgang tsa metsi, puso e tsere tshwetso ya go adima madi kwa bankeng ya mafatshe go itebaganya le go tokafatsa seemo sa metsi. Rre Butale o ne a itsese banni fa tsela ya Tshesebe/Masunga e simolotse go dirwa, mme a re ka jalo bana ba kgaolo ba tla nna le sebaka sa go nwa moro mo go dirweng ga tsela eo ka go bona ditiro fa e tsweletse ka go dirwa. O ne a tlhalosa fa go dirwa ga tsela eo, go tlaa lere ditlhabololo le go thusa go tsholetsa itsholelo ya kgaolo gammogo le go oketsa papadisanyo magareng ga metse ya kgaolo ya Bokone Botlhaba. Mo go tse dingwe, Rre Butale o ne a kopa kemonokeng mo banning ba kgaolo ya gagwe tebang le maikaelelo a gagwe a go tsaya mosepele o o duelelwang ka baesekele go tswa Masunga go ya Gaborone, go leka go kgobokanya madi a go rekela dikolo tsa kgaolo ya gagwe dikhomputara, a bolela fa a tla tsaya mosepele oo ka kgwedi ya Phalane e ya fifing monongwaga. Rre Butale o ne a bo a tlhatlhelela banni ka melawana mengwe e e fetisitsweng kwa palamenteng. Banni ba metse eo ba ne ba ikuela ka dilo di le mmalwa tse di akaretsang borukutlhi jo bo yang magoletsa mo metseng ya bone, ka jalo ba kopa go okelediwa palo ya mapodisi mo motseng. Ends economy_business_and_finance 3 Kisa o eme ka dinao go ipaakanyetsa boipuso Banni ba metse e e farologaneng kwa kgaolong ya Kgalagadi ba tshwere ka natla mo dipaakanyong tsa boipuso jwa monongwaga. Seo se rurifaditswe ke Kgosi Matshidiso Babeile wa Kisa mo kgaolong eo mo potsolosong le BOPA ka Mosupologo (lesome le bobedi). Kgosi Babeile o ne a tlhalosa fa dipaakanyo tsa boipuso tsa go kgabisa kgotla di sa le di tlhagoletswe tsela ke loeto lwa ga Tautona fa a ne a etetse motse oo ka kgwedi ya Moranang Kgosi Babeile o boletse fa morafe wa gagwe o tsweletse sentle ka go tshwaragana, ba nna seopo sengwe le gone go dira ka natla ka mongwe le mongwe a tsentse letsogo ka mowa o le mongwe fela wa boithaopo le go ipelega ba direla motse wa bone. O boletse fa gareng ga dipaakanyo tsa motse wa bone, sengwe sa tse di kgatlhang thata e bile se le pharaloganyo e le sethwantsho se ba se dirileng sa dikgosi tse tharo tse di neng tsa ya go kopela lefatshe leno tshireletso kwa ga mmamosadinyana. A re setshwantsho seo sa dikgosi tse tharo ba tlaa bo ba ipelela boipuso ka sone le gore gape e tlaa nna segopotso le thuto mo baneng ba dikole le dikokomane tse di tlaa tlang mo motseng oo. O kaile fa ba kgobokantse madi a ba tlaa ipelang ka one ka go tshwara maitiso le tse dingwe le gore ba dumalane le morafe wa gagwe gore mongwe le mongwe a nne le seabe ka go ithaopa ba koleka ka dijo le loruo tse e leng tsone ba tlaa kgonang gore di apeelwe morafe mo malatsing a a tlaa ketekwang a boipuso. Kgosi o kaile fa ba tlaa simolola go ipelela boipuso jwa monongwaga go simolola kgwedi eno e le masome a mabedi le botlhano go fitlha e le masome a mararo ka metshameko e e farolaganeng e akaretsa mabelo a bagolo le bana, mabelo a ditonki le dipitse, moopelo, dipina tsa ngwao tsa setapa le tse dingwe. Kgosi Babeile o supile fa botlhe ba ba tlaa fenyang mo metshamekong ka go farologana ba tlaa atswiwa ka dimpho tse di farologanyeng e le tsela nngwe ya go ba itumedisa. Kgosi Babeile o ne a garela ka go leboga thata puso ka ditlhabololo tse di leng teng mo motseng wa gagwe mo nakong ya gompieno ga mmogo le one mananeo a a teng a a tokafaditseng matshelo a banni ba motse wa gagwe mo dingwageng tse di masome a matlhano fa e sale lefatshe leno le tsaya boipuso. politics 7 Temo ke kgetsi ya tsie Molemi wa masimo a Letsopeng gaufi le motse wa Machaneng kwa kgaolong ya Tswapong, Rre Letsweletse Bontshitswe a re temo ke tiro e tona e e tlhokang go tshwaraganelwa. Rre Bontshitswe o buile se mo potsolotsong jaaka a ne a kgala borre ba ba santseng ba ipona tsapa mo go beeng masimo botsetse. A re bontsi ja borre ba rwesa bomme mokgweleo wa go tlhokomela masimo ba le nosi le ntswa fa gongwe ba sa patikwa ke sepe. O boletse gore ene mo nakong ya gompieno o eme ka dinao go bona gore sengwe le sengwe se se tlhokegang mo tshimong ya bone o a se dira go thusa mosadi wa gagwe. O supile fa mo nakong ya gompieno e le ene yo o tlhagolang ka mosadi wa gagwe a tshwerwe ke mabaka a mangwe. Rre Bontshitswe a re ke maikarabelo a Motswana mongwe le mongwe go fa masimo tlhokomelo ya maemo a ntlha ka puso e ba lemela mahala. Go sale foo, Rre Bontshitswe a re le ntswa pula e le boutsana mme fela o solofetse thobo e e botoka. O supile fa a tswa kgakala a dirisa motlhale wa temo ya bogologolo mme mo ngwageng ono wa temo a dirisitse o mosha wa go lema ka ditselana. A re motlhale o mosha o a o dirisitseng ke one o mo fang tsholofelo ya thobo e e botoka ka a ne a ntse a sa boelwe mo go kgotsofatsang mo temong ya go gasa. O tsweletse ka go kaya gore go lema ka ditselana gape go mo tlhofofaletsa tiro ya go tlhagola fa a tshwantshanya le go tlhagola ga temo ya pele ya peo e e gasitsweng. Rre Bontshitswe a re o sale a lemile ka pula ya ntlha e e neleng ka kgwedi ya Sedimonthole ngogola. A re o lemile ditema tse tlhano tsa mabele, mmidi le dinawa. O boletse gore mo nakong ya gompieno matshosetsi a diji a a setseng a a itemogetse ke a leruo le le sailang gaufi le masimo. Rre Bontshitswe o rotloeditse Batswana gore ba seke ba kgojwa marapo ke seemo sa pula mme ba tswelele ba dire tsotlhe tse di tlhokegang kwa masimo fa ba santse ba letetse pula. A re go tlhoka go lema ga bontsi ja balemi mo sebakeng seno ga go ree gore balemi ba ka itlhokomolosa masimo a bone. O boletse fa go na le ditiro tse dingwe tse motho a ka di dirang a santse a emetse go lema jaaka go agelela masimo. O ne a kopa barui go disa leruo la bone go itsa tshenyo mo masimo ka dijalo di setse di simolotse go mela society 9 Moletlo wa ipelelo ngwao o tsamaile sentle Mogokaganyi wa ditiro tsa mokgatlho wa Arts Rain Culture mo Selebi Phikwe, Rre Tshepho Tsela a re o itumeletse ka fa moletlo wa Ko Chomeleng Cultural Festival o o neng o rulagantswe ke mokgatlho wa bone o tsamaileng sentle ka teng. Rre Tsela a re tsotlhe tse di neng di rulagantswe gore di tlaa diragala mo moletlong oo, di ne tsa tsamaya ka thelelo. O boletse fa boeteledipele jwa toropo ya Selebi Phikwe bo ne jwa supa kemo nokeng ya maikaelelo a mokgatlho wa bone ka go nna teng kwa moletlong oo. A re moletlo o wa Ko Chomeleng Culture Festival, o o neng o tshwaretswe kwa mabaleng a ditshupo a Selebi Phikwe ka setlhogo se se reng Ka Ngwao re ka Tsoga, o kgonne go ngoka bagwebi ba ba botlana mo toropong ya Selebi Phikwe le metse e e mabapi. Rre Tsela a re ditlhopha tsa mmino wa Setswana tse di neng di natefisa kwa moletlong o, ga di a ka tsa swabisa ba ba neng ba tsholegile go tla go jesa matlho a bone monate ka go ntsha ga tshwene fa ba diragatsa. O lebogetse dikompone le botlhe ba ba neng ba tshwaragane le bone go rulaganyetsa moletlo oo bosheng, ka jalo a bolela fa tshologelo ya batho e supa fa o tlaa nna le tswelelopele e e nametsang jaaka ba ikaelela go nna ba o tshegetsa ngwaga le ngwaga. A re moletlo oo, ke lengwe la maiteko a bone e le banana mo go nneng le seabe mo tsosolosong ya itsholelo ya toropo ya Selebi Phikwe. O kopile botlhe ba ba neng ba salela kwa morago go ititaya ka thupana nako e e tlang ka maiteko a bone e le go dira se se tlaa tokafatsang matshelo a banni ba Selebi Phikwe ka kakaretso, segolo jang ba mhama wa bodiragatsi le dikgwebo. Rre Tsela a re le fa moletlo wa bone o tsamaile sentle, go na le dikgwetlho tse ba neng ba kopana le tsone mo thulaganyong ya one, segolo jang go tlhoka barotloetsi. O boletse fa ba kgonne go ngoka dikompone le batho ka bongwe ka bongwe ba ba supileng fa ba tlaa buisana le bone ka fa ba ka thusanang mo go rulaganyetseng moletlo wa ngwaga o o tlang. A re ba rulagantse tshekatsheko ya ka fa moletlo o o tsamaileng ka teng kwa gape ba tlaa buisanang le go bolela maina a dikompone tse di supileng kgatlhego mo go tshwaraganeleng thulaganyo ya moletlo o ngwaga o o tlang. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Setshwarwa ke ntsa pedi... Makhanselara a kgaolo potlana ya Tutume a kopile badirela puso go tshwaragana le dikomiti tsa ditlhabololo mo motseng gore ditiro tsa Ipelegeng di fele ka nako e e beilweng. Fa mokhanselara wa Tutume Bophirima Rre Ishmael Mokgethi a bua mo phuthegong kwa kgotleng ya Selolwane, o boletse fa ditiro tsa Ipelegeng bontsi di sa fele ka tirisanyo mmogo e tlhaela fa gare ga badirela puso le komiti ya ditlhabololo tsa motse. A re gago na ope yo o tlhokomelang go bona gore babereki ba Ipelegeng ba tla ka nako, ebile ba dira tiro ka botlalo. O supile fa ditiro tse dingwe di na le dingwaga di dirwa mme le gompieno di ise di wediwe. O kopile komiti go dirisanya le puso gore ditiro di dirwe mo sebakeng se se tshwanetseng gore motse o fiwe ditlhabololo tse dingwe. O supile fa kgaolo ya botlhophi e fiwa ditiro tsa ditlhabololo di le nne mme di tshwanelwa ke go dirwa tsa fela ka nako gore ba fiwe tse dingwe gape. A re kgotla ya Selolwane e siilwe ke ditlhabololo ka ntlha ya go sa fetseng ditiro ka nako. Mokhanselara a re batho ba ne ba tsena diphuthego tsa makhanselara go utlwa gore a baemedi ba bone ba isa dikopo tsa morafe. Mokhanselara wa Tutume Legare Rre Moseki Matlhodi ene o ne a kopa ba ba mo Ipelegeng go bereka ka natla ba itse fa ditiro tsa Ipelegeng di dirwa go tlhabolola motse wa bone mme ebile di tshwanetse go fela ka nako gore ba fiwe tse dingwe. A re ba ithute go dira ba sa salwa morago gape ba goroge ka nako mo tirong. A re Ipelegeng e tshwana fela le mebereko e mengwe mme babereki ba itse fa ba tshwanetse go obamela melao ya tiro. A re bagolwane ba Ipelegeng ba dire tiro ya bone ya go tlhokomela mme ba tseele ba ba sa obameleng molao dikgato. politics 7 Matagase o phophoma ka boitumelo Morafe wa Matagase mo kgaolong ya Kweneng o akgoletse puso go bo e tlhomamisitse lefelo la bone go nna motse o jaanong o ka akolang ditlamelo jaaka metse e mengwe mo Botswana. E rile mo potsolotsong bosheng, ba Matagase ba supa fa ba ne ba sokola ka jaana ba ne ba tshelela mo lobelong le go iphitlha, ba bua gore ba molao ba ne ba supa fa ba ipeile mo lefelong leo e bile go sa letlelesege gore ba ka nna foo. Le fa go ntse jalo, ba ne ba supa boitumelo, ba tlhalosa gore e rile kgwedi eno e tlhola malatsi a supa motse wa bone wa tlhomamisiwa ba bo ba bewa ditsha ka fa molaong ke lekgotla le le botlana la kabo ditsha la Molepolole, jaanong ba emetse ditlankana. “Ntwa e, e ne e le thata e le bokete ka jaana re ne re sa bewa sentle ka fa semolaong, mme rona tota go se na kwa re neng re ka ya teng,” ga bua jalo Mme Kebuwa Saborole. Mme Saborole a re ba na le dingwaga di feta masome a marataro ba ntse ba nna mo motseng oo. O tlhalositse fa a le dingwaga tse di fetang masome a matlhano le botlhano e bile ene ka sebele a tsholetswe a bo a golela mo motseng oo, a tlatsa ka go re le bana ba gagwe o ba tshotse ba bo ba golela mo go one motse o. Mme Saborole a re ka jaana go ne go se na ditsha tsa mabitla, bana ba gagwe le batsadi ba gagwe ba fitlhetswe gone mo setsheng se a se neetsweng. O ne a supa jalo ntlheng ya bophirima fa go sa agwang sepe a kaya fa e le gone fa bangwe ba masika ba neng ba fitlhwa teng. Mme Saborole, yo o neng a supa fa ba le mo boitumelong jo bo boitshegang, a re se se monate ke gore e rile fa ba itlhobogileng teng puso ya ba baya ditsha. Le fa go ntse jalo, o kopile gore e re puso e simolola go tsisa ditlamelo ba simolole ka metsi ka jaana ke one konokono ya botshelo, a supa gore ba kgona go nna malatsi a mabedi ba sa bone le fa e le nono ya motsoko. A re e re ntswa go na le didiba tsa beng mo motseng, ba tlamega go reka metsi ao mme go a ba turela. O ne a supa fa ba le mo boitumelong jo bogolo e bile ba akgola mopalamente wa kgaolo le mokhanselara ka jaana a dumela gore ba na le seabe se segolo mo go beweng ga bone. Rre Samuel Jack a re ene o itumelela go bewa ka jaana ba tsile go dirisa maele a bone a botshelo go itshetsa. Rre Jack o tlhalositse fa e ne e le mogwebi a tswa go tsaya maele ao kwa toropong mme maikaelelo e le go a dirisa mo gae ka jaana dikgwebo di le boutsana e bile batho ba bolawa ke go tsamaya sekgala ba ya go reka kwa Letlhakeng le kwa Molepolole. O ne a supa fa maikaelelo a gagwe e le go tsaya mananeo a puso go tlhabolola kgwebo ya gagwe, a tlhalosa gore o tlamela masika a gagwe ka yone. O ne a tlhalosa fa a batla go atolosa kgwebo ya gagwe ya go rekisetsa fa thoko ga tsela ka jaana banni ba motse ba tlhoka go reka dilo tse dintsi di tshwana le dinotsididi le merogo. O ne a rotloetsa banana go ititaya ka thupana go fefogela go itshimololela dikgwebo mo motseng, a tlatsa ka go re go ka ba solegela molemo fa puso e ka ba thusa ka motlakase le metsi, segolo jang ka a rotloetsa banana go itirela ka diatla. society 9 Banni ba Jwaneng ba rapelela pula Baruti le batho ba toropo ya Jwaneng e ne ya re ka letsatsi la Tshipi Lwetse a tlhola borobabobedi ba phuthaganela kwa kgotleng go rapelela pula ga mmogo le go bula semmuso kgwedi eno ya thapelo. E re ka morafe o ne o tsile ka boutsana, moeteledipele wa lekgotla la baruti kwa Jwaneng Rre Binang Makgetho o ne a re go tlhabisa ditlhong gore e re dikereke di le dintsi mo toropong eo baruti ba bo ba le boutsana mo kopanong ya go rapelela pula.A re mokgwa o wa gore baruti ba nne maoto a tshupa mo ditirong tse ba ka bong ba di tshwaraganela le puso o a tshwenya ka jaana seabe sa baruti se tshwanetse go bonala mo ditirong tsa setshaba. O ne a kgothatsa manoto a a neng a tsene merapelo eo go tswelela ka go rapelela diemo tse di mo lefatsheng leno di akaretsa leuba le malwetsi. “A re tsweleleng ka go nonotsha dithapelo tsa rona ka gore tiro ya mokeresete ke go rapela le go rapelela motho yo mongwe gammogo le tsone diemo tsa lefatshe la gagwe,” a tlhalosa. Rre Makgetho a re mo dingwageng tse di fetileng kgwetlho e ne e le go rapelela bolwetsi jwa HIV/AIDS mme gompieno malwetsi a mangwe le one a tsere phekelo e sele. A re malwetsi a tshwana le madi a matona, kankere le sukiri a tsweletse ka go garimola batho bogolo jang banana. A re e le maloko a lekgotla la baruti ba itlamile go dirisa kgwedi eno ya Lwetse go tsamaya le toropo ya Jwaneng gotlhe le mo maphateng a a farologanyeng go rapelela dikgwetlho tse tsotlhe.A re mme tiro ya mofuta o e tlhoka tshwaragano le tirisanyo mmogo gore kwa bofelong lefatshe la Botswana le nne le pharologanyo. Kgosi Segale Letshele le ene o ne a supa fa a tshwentswe ke go bo batho ba tsile ka boutsana kwa kopanong eo le ntswa ba dirile bojotlhe go anamisa molaetsa.O ne a kopa ba ba tsileng go sa kgobege marapo ka jaana bokamoso jwa lefatshe leno bo le mo diatleng tsa bone ebile se ba se dirang e le tema go ya kwa ngwageng wa 2016. A re ka tsela nngwe batsadi ba na le seabe mo botlhoka-tsebeng jo bo diragalang mo lefatsheng leno ka jaana le bone ba retelelwa ke go tsena dipitso fa ba bidiwa. A re motsadi yo o ganang go tsena diphuthego o ka kgona jang go kgalemela bana fa ba fapoga tsela. BOKHUTLO Molaodi wa Jwaneng Rre Richard Boitshwarelo ene o ne a akgolela baruti boikarabelo jwa maemo a a kwa godimo ka jaana e nna e le bone ba ntlha go utlwa mokgosi fa o kuiwa bogolo jang e le selelo sa setshaba. religion_and_belief 8 Mzwinila o kgothatsa banana go ithusa ka mananeo Mopalamente wa Mmadinare e bile e le mothusa tona wa lephata la banana, metshameko le tlhabololo ngwao, Rre Kefentse Mzwinila o kgothaditse banana ba Tamasane, Mogapinyana, Mogapi, Kgagodi le Diloro go inaakanya le mananeo a lephata leo ka a diretswe go tlhabolola matshelo a bone le metse ya bone. Mothusa tona o buile jaana kwa pitsong e e neng e ngokile banana ba metse eo ka dipalo tse di kwa godimo, kwa kgotleng ya Maokatumo bosheng. Rre Mzwinila o tlhalositse fa pitso eo e tsile morago ga dingongorego tsa banana gore ga ba thusiwe sentle mo diofising. A re lephata la banana maikaelelo a lone ke go bona banana ba itlhametse ditiro go fokotsa letlhoko la mebereko. O supile fa maitlamo a lephata leo e le gore fa 2019 a wela, banana ka bontsi ba bo ba kgona go ikemela ka nosi mo dikgwebong. A re 62 ya batho mo lekgolong mo Botswana ke banana ba e bileng ba na le dithutego tse di kwa godimo. Rre Mzwinila a re se ka bosone se supa fa banana e le baeteledipele ba nako ya gompieno le go ya pele. Mopalamente Mzwinila o ne a tlhalosa fa lephata le tshwentswe ke banana ba ba thusitsweng ka madi a ba tshwanetseng go busa bontlha bongwe jwa o ne, mme ba sa dire jalo. O ba kgothaditse go busa madi gore banana ba ba santseng ba emetse go thusiwa ba kgone go thusiwa ka nako. Rre Mzwinila a re puso e rwele boikarabelo jwa go nonotsha banana ka ditsela tse di farologaneng, a re dikgaisano di tshwana le tsa ga Tautona ke nngwe tsela ya go suga banana ditlhaloganyo le go ba ruta ngwao le botho gore ba tsoge e le baeteledipele ba ba nang le boikarabelo. Molomaganya ditiro tsa lephata kwa kgaolong ya legare, Rre Pako Sisuku a re go ya ka ditshekatsheko tsa lephata, banana ba sa ntse ba goga dinao go dirisa mananeo. Rre Sisuku o rotloeditse banana go tlhoafalela go tsaya mananeo a puso ka a diretswe bone. O tlhalositse fa maikaelelo a lephata go kopana le banana e le gore e re morago ba kgone go tswa ka ditharabololo tsa gore ba ka tokafatsa ditirelo tsa bone jang. Moememedi wa banana ba Tamasane, Mme Kesego Ikanyeng o tlhalositse fa bontsi jwa nako banana ba sena sebaka sa go ntsha megopolo ya bone, a tlhalosa fa difomo tse di tladiwang go kopa madi di le thata mo banana ka bontsi ba sa di tlhaloganyeng, a re se ke kgwetlho e e dirang gore e nne o kare banana ga ba kgatlhegele mananeo. Mme Ikanyeng a re lephata la banana le tsaya nako go tsibogela dikopo tsa bone. Pitso eo, e ne e ngokile maphata a puso le a a ikemetseng ka nosi go tla go ruta banana ka ditirelo tse ba nang le tsone tse di ka ba thusang go itlhamela ditiro. BOKHUTLO society 9 Puma e aba dikobo Mogolwane wa ofisi ya boipelego mo Letlhakane a re bana ba ba tswang mo malwapeng a itlhokang, masiela le dikhutsana ba na le dikgoreletsi tse di amang matshelo a bone ka jalo ba tlhoka go sidilwa maikutlo. Mme Mmoni Makobye o buile jalo ka Matlhatso jaaka kompone ya Puma Energy e ne e abela bana ba dikobo le mebese a supa gore le fa dikompone ka go farologana di dira tiro e ntle ka go abela ba malwapa a itsholelo e kwa tlase go botlhokwa gore ba abelwe se se ka ba thusang gore ba itumele mo maikutlong. A re go botlhokwa gore dikompone di lemoge gore go abela bana ba dithoto fela ga go a lekana ka gole botlhokwa thata gore ba sidilwe maikutlo ka seo se ka ba thusa gore ba kgone go itebaganya le dikgwetlho tsa botshelo le gone go dirisa sentle tse ba di abelwang. Mme Makobye a re go le gantsi dikompone le makalana a mangwe ba na le go tsenya letsogo go thusa puso ka go abela bana ba masiela, dikhutsana le ba malwapa a tlhokang dimpho ka go farologana, ba lebala go sala morago matshelo a bana ba ka bophara, a tswelela a gatelela gore bana ba, ba na le dikgwetlho ka jalo ba tlhoka bogakolodi le gone go sidilwa maikutlo. O rotloeditse kompone ya Puma Energy le tse dingwe gore mo isagong ba thuse bana ba ka go ba tlisetsa dithoto tsa bogakolodi le tshidilo maikutlo, a supa fa go le botlhokwa gore bana ba, ba fiwe lorato le go rotloediwa go ikemela mo botshelong. Mme Makobye o tlhalositse gore lenaneo la go tlhokomela bana ba masiela ka go ba tlamela le simolotse e le la nakwana, le itebagantse le bana ba ba neng ba latlhegelwa ke batsadi ntateng ya bolwetse jwa AIDS. O supile gore le fa go ntse jalo puso e ne ya bona gole botlhokwa go tsweledisa lenaneo le, ka go lemoga fa dipalo tsa bana ba ba tlhokang thuso ya go tlamelwa ba oketsega. Mme Makobye are bangwe bana ba sala ba sena motlhokomedi batsadi ba gapilwe ke malwetse ka go farologana kgotsa dikotsi tsa tsela. O ne a leboga go bona dikompone jaaka ya Puma Energy di tsweletse ka go thusa go tlamela bana. Mogolwane wa kompone ya Puma Energy, Rre Boineelo Shubane are tiro ya go abela bana ba ba tlhokang e supa lorato a tlatsa ka gore go dira jalo go thusa gore matshelo a bone o tokafale le gone gore a tswelele pele. Rre Shubane a re kompone ya Puma Energy e motlotlo thata go bona e tsenya letsogo mo ditirong tsa setshaba a tlatsa ka gore ba kgonne go abela bana ba ka tshwaragano ya motia le boeteledipele jwa khansele potlana ya Boteti. O supile gore mo puisanong ya bone le ba khansele ba ne ba lemoga fa dipalo tsa bana ba ba tlhokang thuso di le kwa godimo mo Boteti. Rre Shubane are bangwe ba bone ba nna mo mafelong a kgakala le ditlamelo, bangwe e le ba ba tlogetseng dikolo ka mabaka a farologanyeng, bangwe ba bone ba eteletse pele malwapa a senang batsadi fa bangwe e le ba ba nang le bogole kana dikhutsana. A re mpho e ba e abileng e lebega e le potlana ba ba abetsweng bone ba itumetse thata e bile e tla ba thusa go itshireletsa mo serameng ka ele nako ya paka ya mariga. Rre Shubane are go a tshwenya go bona malwapa mangwe a tshelela mo lehumeng ka jalo go botlhokwa gore ba thusiwe gore botsogo jwa bone bo tokafale. E ne ya re a leboga ba Puma Energy mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Boteti Rre Christopher Maramba a re dimpho tse di abetsweng bana ba masiela di botlhokwa e bile di tla dira pharologanyo matshelong a bone. Rre Maramba a re le fa khansele e tsweletse ka go tlamela bana, boamaruri ke gore e tlhaelelwa ke madi ka jalo go botlhokwa gore dikompone le batho ka bongwe ka bongwe a tswelele ka go thusa. society 9 Maele o kgala dipolaano Mopalamente wa Lerala/Maunatlala, Rre Prince Maele o kgadile dipolaano tsa batho tse di diragalang mo kgaolong ya gagwe. Fa a buisa diphuthego kwa metseng ya Lerala, Majwaneng le Ratholo, Rre Maele o ne a re o tshwenyegile thata ka dipolaano tse di tsweletseng ka go diragala mo kgaolong ya gagwe, segolo jang tsa baratani. A re dipolaano tse gantsi di bakwa ke borre, a kopa borre go laola maikutlo a bone. A re ope ga a a tshwanela go gapela yo mongwe botshelo fa lorato le fela, a tlhalosa ka gore go botlhokwa go laola maikutlo. Rre Maele a re batsadi bangwe ba nna ka letshogo ba tshaba go bolawa, a tlhalosa fa bangwe batsadi ba setse ba bolailwe le bana ba bone. O kopile batsadi go itsese mapodisi ka bofefo fa go na le mongwe yo o botlhabetsi mo matshelong a bone, a re ke molato go tshosetsa motho yo mongwe gore o tlaa mmolaya. Rre Maele a re puso e fetotse molao gore Omang wa ba ba tlhokafetseng a busediwe kwa diofising tsa Omang. A re go itemogetswe gore go na le batho ba ba dirisang bo Omang ba baswi go dira borukutlhi, a tlhalosa gore molao o tlama gore bo omang ba baswi ba busediwe ko diofising tsa omang. A re fa go na le sepe se se amang moswi, go dirisiwa setlankana sa leso. Mo go tse dingwe, a re puso e okeditse dituelo tsa bodiredi jo bo berekelang mo makalaneng ka go farologana, mme a tlhalosa fa dituelo tsa badisa e le P700. A re ba ba thapilweng mo malwapeng ba tlaa duelwa P3.21 ka oura. A re se ga se reye gore bahiri ba seka ba duela go feta seelo se, a re molao ga o letle gore bahiri ba duele ko tlase ga seelo se se beilweng. Le fa go ntse jalo, banni ba metse e meraro e ga ba a itumelela dikokeletso tse ba re di kwa tlase, bogolo jang tsa babereki ba mo malwapeng. Barui le bone ba re dituelo tse disha tsa badisa di kwa godimo, ka gore ba rekela badisa dijo ntswa ba ba duela. Fa a ba fetola, Rre Maele a re puso ga e tlame ope yo o hirileng badisa gore a ba rekele dijo mme hela ga e letle gore badisa ba duelwe kwa tlase ga P700. A re go rekela modisa dijo e a bo ele go dira setho. A re babereki ba mo malwapeng bone ba tlhola kwa tirong mme ba fiwa dijo le boroko fa ba berekelang teng. A re babereki ba bangwe ga ba fiwe dipe tsa dilo tseo, ka jalo dikokeletso tsa bone di fa godimo ga tsa babereki ba mo malwapeng. crime_law_and_justice 1 Keitseng o rotloetsa tiriso ya lenaneo E re jaaka letlhoko la ditiro mo lefatsheng leno le santse le tsweletse ka go tshwenya, puso e tsweletse ka go tla ka mananeo a tshwana le la nyeletso lehuma gore Batswana ka bontsi ba a dirise go tlhabolola matshelo a bone. Mo nakong eno, Batswana ka bontsi ba setse ba akola maduo a lenaneo la nyeletso huma lefatshe ka bophara. Le fa go ntse jalo, bangwe bone ba bo ba sa tlhokomele le go tsaya dikgwebo tsa lenaneo leo ka tlhoafalo tse di felelang di phutlhama. Mongwe wa ba ba thusitseng ka lenaneo leo Mme Seosotleng Keitseng yo o dingwaga tse di masome a supa le bone wa kgotla ya Ratotoboro kwa Molepolole o ne a kgothatsa botlhe ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go le dirisa le gone go le tlhokomela gore le tle le kgone go ba tswela mosola. E rile fa bua mo potsolotsong le A re go lebega fa Batswana ka bontsi ba sena tlhokomelo e e tseneletseng mo lenaneong leo. A re o leboga puso ka lenaeno, a supa fa le tlodisitse batho ba le bantsi dinoka ka jaana le thusa batho fa ba tlhaelang teng. A re go botlhokwa gore Motswana mongwe le mongwe yo o sa berekeng a inaakanye le mananeo a puso go fetola botshelo jwa gagwe. Mme Keitseng o tlhalosa gore kgwebo ya gagwe ga e ise e dire sentle jaaka a batla ka jaana a thusitswe ka lenaneo leo ngwaga ono o simolola. A re mo nakong eno o santse a sena mmaraka sentle. E re ka jaana puso e rotloetsa gore botlhe ba ba thusitsweng ka mananeo a nyeletso lehuma, e nne bone ba ba fiwang sebaka pele sa go ipapatsa, mme Keitseng o ne a supa fa a ne a ikwadisa mo dikoleng tse dipotlana mo kgaolong ya gagwe jaaka e le tsela nngwe ya puso ya go batlela ba ba thusitsweng ka leananeo mmaraka. Le fa go ntse jalo, o ne a supa gore fa e sale a thusiwa ka lenaeno leo, ga a sa tlhole a sokola ka dilo tse di dingwe jaaka go ithekela motlakase molapeng le gase e e apayang. O ne a tlatsa ka go re o solofela fa kgwebo ya gagwe a tlaa ntsha maduo a a nametsang fa e ntse e tsweletse. O bile a gatelela gore go fitlha mo nakong eno ga a ise a kopane le dikgwetlho dipe, a supa fa a sa sokole ka melemo le dijo tsa dikoko le ntswa a ne a swelwa ke dikoko di le lesome le bobedi ka ntlha ya bolwetse. O kaya fa jaanong a setse ka di le masome a mararo le boferabobedi. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Batswana ba gakololwa go nna podimatseba Mogolwane wa tsa melao mo khanseleng ya kgaolo potlana ya Mahalapye, Rre Bernard Bolotsang o kopile Batswana go emisa mokgwa wa go hirisetsa batswakwa matlo a boroko, ba ba gwebang mo Botswana ba sena diteseletso tsa dikgwebo. Rre Bolotsang o dirile kopo e mo phuthegong e neng e tshwerwe ke badiri ba khansele go tlhalosetsa banni ba motse wa Mahalapye ka ditriro tse di dirwang ke maphata a farologaneng a khansele le tshwetso e e tserweng ke puso ya go isa ditlamelo kwa metseng e kgakala le ditoropo kana metse e metona jaaka Serowe, Palapye le Mahalapye. A re ere le ntswa puso e tshwenyegile ka batswakwa ba ba tsenang mo lefatsheng leno e se ka fa molaong e bile ba gweba ba sena diteseletso tsa go gweba, o tshwenngwa ke Batswana bangwe ba ba tsweletseng ka go hirisetsa batswakwa ba boroko le mororo ba itse fa ba sena dipampri tsa mesepele e bile bangwe ba bone ba itse fa ba tsene mo lefatsheng leno ka go tlhagela melelwane. Rre Bolotsang o bile a bolela fa bone ele badiri ba tsa melao mo khanseleng ba itebagantse le go tseela dikgato batho ba ba sa obameleng melao morago jaaka go tsosa medumo masigo mo dishabining, go rekisa majalwa morago ga dinako tse di beilweng, go gweba ga batho ba sena diteseletso, go leseletsa leruo le sasankega mo metseng, le go dirisa metsi a setshaba go siela leruo. O boleletse batsena phuthego eo, ba bontsi jwa bone e neng ele dikgosana tsa tetlanyo gore ele badiri ba khansele ba tlhokisiwa boroko ke diruiwa tse di agetsweng masaka fa gare ga motse le diphuthego tsa dikereke tse go bolelwang di tsosa medumo masigo e bile di kgotlela tikologo ntswa dingwe tsa tsone di sa kwadisiwa ka fa molaong kwa lephateng la tsa pereko le selegae. Rre Bolotsang o tlhalositse fa maikaelelo a diphuthego tsa bone ele go lemotsha setshaba ka ditiro tsa maphata a bone le go isa ditlamelo kwa bathong segolo jang ba ba kgakala le ditoropo kana metse e metona jaaka Serowe, Palapye le Mahalapye. E rile banni ba Mahalapye ba kgwa badiri bao ba khansele kgaba, ba dumelana ka bongwefela jwa pelo ka molao o iletsang leruo go nna fa gare ga motse, go siela diruiwa metsi a diretsweng go nowa ke setshaba, go tseela dikgato Batswana ba ba hirisetsang batswakwa boroko ntswa ba sena dipampiri tsa mesepele gammogo le go gagamaletsa seteropo batswakwa ba ba gwebang mono ntswa ba sena diteseletso tsa go dira jalo. Ba re le fa puso e dirile melao e iletsang batho go rekisetsa bojalwa jwa Chibiku mo malwapeng, go sa ntse gona le batho bangwe ba ba rekelang majalwa a go nna jalo kwa marekisetsong a Chibuku, mme morago ba tseele kwa malwapeng go ya go rekisa ka bonweenwee. Banni ba supile badiri ba tsa melao mo khanseleng ka monwana ba bolela fa bana le pelaelo ya gore ba katswa ba neelwa pipa-molomo ke batswakwa ka jaana fa ba tsena mo madirelong a dikgwebo tsa batswakwa o fitlhela bale kwa ga mothakga ntswa mo dikgwebong tsa Batswana ba tsena ba swaswapantse difatlhego go supa fa bale mo tirong. Bokhutlo society 9 Sediegeng o bolotsa letsema Motshwarelela bogosi jwa ga Gammangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane, o gakolotse setshaba go sala morago methale e mesha ya temo ka a re dipaka di fetogile. Kgosi Kgamane o buile se, fa a bolotsa letsema kwa kgotleng kgolo ya Serowe ka Matlhatso. A re jaaka e le tlwaelo ya ngwao ya Sengwato, letsatsi la Tshipi la ntlha la kgwedi ya Phalane go bolotswa letsema. Kgosi Kgamane o tlhalositse fa dipaka di fetogile, ka jalo a rotloetsa morafe go sala morago methale e mesha ya temo ka e le yone e e ka ba tswelang mosola. O ba gakolotse gore ba inaakanye le balemisi ba kope thuso gore ba ba fe dithuto ka dijwalo tse di lebaganeng dipaka tsa segompieno le go ne gore ba ka lema jang dijwalo tsa bone. Kgosi o ne a re balemisi ba botlhokwa ka ba ka ba fa maele ka temo e e tlhabologileng ga mmogo le dijwalo gore ba kgone go bona thobo e e nametsang. “Dipaka di fetogile le ka fa go lengwang ka teng go tshwanetse ga fetoga, a re saleng morago dikgakololo tsa balemisi,” ga tshwaela kgosi. E rile fa a bolotsa letsema, Kgosi Kgamane a gakolola morafe fa nako e gorogile ya gore ba tswele kwa ntle ba ye go baakanya kwa masimong a bone, ba epele mapako a a dikileng a ole, ba phuthe tsotlhe tse di tlaa tlhokafalang ba ipaakanyetse temo gore fela fa pula ya ntlha e phaila ba bo ba simolola go lema. society 9 Mmangwana o tsene ka ga re itse morago ga go tlhokafala ga ngwana Mapodisi a Serowe a mo patlong ya mosadi mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le borataro yo o tseneng ka lenga la seloko morago ga go tlhokafala ga ngwana wa gagwe yo o dingwaga tse pedi. Mookamela mapodisi a Serowe, Superintendent Molefhe Molefhe, o boletse mo potsolotsong fa mosadi yoo wa kwa Mmashoro, a tlogetse ngwana kwa batsading ba gagwe ba ba lemogileng morago gore ngwana o tlhokafetse. Are ga go itsiwe kwa mmangwana a ileng teng. Mookamela mapodisi a Serowe o kaile fa ngwana a ne a ntse a tshwenyega mme a nna a isiwa kokelong kgapetsa kgapetsa. O tlhalositse fa ba letetse maduo a ditlhatlhabo go tswa kwa go ba bongaka go bona gore ngwana o bolailwe ke eng Supt Molefhe a re mosadi yoo o ne a sa bereke gope mme go bolelwa fa a nna a le mo sediding sa nnotagi fela. Supt Molefhe o ne a bolela fa ba sa robatswe ke go nowa phetelela ga bojalwa kwa Mmashoro. A re se, se baka ditiragalo tse dintsi tsa borukutlhi. crime_law_and_justice 1 Kgosi o akgola lekgotla la kabo ditsha Kgosi Kegobonye Maruping wa Moshwaweng mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng o akgoletse lekgotla le le botlana la kabo ditsha la Letlhakeng tirisanyo mmogo. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke lekgotlana leo kwa motseng oo bosheng, Kgosi Maruping a supa fa a itumeletse se ba kabo ditsha ba se dirang e bile go supa fa ba direla dilo mo pontsheng. O ne gape a opela matsogo morafe wa motse wa gagwe ka jaana a re ba tsena diphuthego tsa kgotla ka dipalo tse di nametsang, mme a ba kopa go itse mosola wa go nna le setsha. Mothusa modulasetilo wa lekgotlana la kabo ditsha la Letlhakeng, Mme Tshoganetso Gabotlhakanelwe, a tlhalosa fa maikaelelo a leeto la bone e ne e le go tla go tsaya megopolo le go kopa dikgakololo. O tsweletse a supa fa lekgotla la bone le tsweletse ka go amogela dikopo tsa metse mme ikopelo e e dirwa ka go romela kopo ka poso e le tsela nngwe ya go fokotsa tshenyetso setshaba. Mme Gabotlhakanelwe o ne a supa fa tirisanyo ya batho ba Moshaweng e le ya maemo a ntlha ka ba ne ba nna dipelo ditelele ka dinako tse di thata fa ba fudusediwa kwa lekgotleng la kabo ditsha la Thamaga. A re khuduga eo e ne ya dira ditirelo dingwe jaaka kabo ya ditlankana tsa bone tsa metse le masimo go nna madiadia. Le fa go ntse jalo o ne a supa fa ofisi ya bone e tshwenyegile thata ka ditsha tse di ananngwang ka dipalo tse di kwa godimo. A re go dirilwe molao o mosha o ka one batho ba ba rekisitseng ditsha tsa bone ba tlaa seke ba fiwe tse dingwe gape. society 9 Itshidilo mmele e ka kganela madi a matona - Machacha Mogolwane wa dipatela mo lephateng la botsogo le boitekanelo, Dr Tshepo Machacha o kaile fa go itshidila mmele ka dinako tsotlhe go ka kganela bolwetse jwa madi a a kwa godimo. O buile jaana mo letsatsing la mafatshefatshe la ipelelo letsatsi la bolwetse jwa madi a kwa godimo kwa Oodi ka Matlhatso. A re itshidilo mmele e dira gore ditshika tsa mmele di tie mme di kgone go isa madi kwa di tshwanetseng teng di sa kganelwe ke sepe. Dr Machacha a re bontsi jwa Batswana fa ba tshwarwa ka bolwetse joo ba baakanya dijo fela tse ba di jang mme ba tlogele tsa itshidilo mmele kwa morago. A re itshidilo mmele ke yone e dirang dilo motlhofo mo mmeleng jaaka go isa madi kwa a tshwanetseng go ya teng le gone go kganela malwetse ape a a ka tswang a iphitlhile mo mmeleng. Dr Machacha a re Batswana ba tlhasetswe ke malwetse a a sa tshelanweng ka mabaka a dijo tse di nang le mahura le letswai le lentsi mme ba sa itshidile mme. O tlhalositse fa go itshidila mmele go sa diragale fela kwa matlong a itshidilo le bakatisi mme motho a ka itshidila fela le kwa lwapeng. A re go tsamaya sekgalanyana le go bereka ka diatla kwa lwapeng jaaka go tlhatswa, go apaya le go feela ke dingwe ditsela tsa itshidilo mmele. Dr Machacha a re go nnela mo setilong ruri, o dirisa tsa maranyane le go ja thata ke dingwe tse di bakang madi a kwa godimo. A re Batswana ba tlamega go itlhokomela ka gore go tlhoka go itlhokomela go tsisa leso fela le malwetse. Dr Machacha o lebogetse Batswana ba ba santseng ba tshwere ka thata mo go direng ditiro tsa mo gae jaaka go lema, go bereka mo malwapeng le ba ba jang dijo tsa Setswana ka di na le dikotla tse dintsi. Fa a bua ka dijo tse di siametseng mebele, moitsanape wa tsa dijo go tswa Afiya Health Mme Malebogo Eluya a re go botlhokwa gore motho a bone ba bongaka ka tsamao ya madi a gagwe mo mmeleng. A re batho ba emela gore ba ise bolwetse kwa kokelong go na le go ya fela ba sa lwale ba itlhatlhobela malwetse a a sa tshelanweng. Mme Eluya a re dijo tsotlhe tsa lesika la mashi di tshwanetse go akarediwa mo dijong tse di jewang ka nako tsotlhe ka di na le kotla ya Calcium e e thatafatsang marapo. A re dijo tse di nang le dikotla jaaka merogo le maungo ga di ture mme batho ga ba rate go di reka ba tlhalosa fa di le bosula. Mme Eluya a re go ja dijo tse di nang le dikotla mmogo le go itshidila mmele go fa motho maatla le thata ya go lwantsha malwetse mo mmeleng. Mmantswitswidi wa tsa itshidilo mmele Rre Diteko Baabina o tlhalositse fa batho ba tshwanetse go itse gore fa ba sa iphe nako ya go itshidila mmele ba gaufi le go lwala. A re go botoka go iphemela mo malwetseng ka go se turu e bile go sa duelelwe mme go lwantsha bolwetse bo setse bo le teng go dingalo e bile go tsenya kgatelelo. Rre Baabina a re go itshidila mmele go dira gore motho a seka a tsofala ka bonako. A re Batswana ba tshwanetse go boela ngwao ya go tsamaya ka dinao fa ba ya gaufi jaaka kwa mabentleleng go na le go tsamaya ka dikoloi. health 6 Re ka fokotsa kgokgontso -Mokgosi Mothusa kgosi kgolo wa ga Malete, Kgosi Tsimane Mokgosi o supile fa mongwe le mongwe a na le seabe sa go fokotsa kgokgontso mo Botswana. Fa a bua kwa phuthegong ya go tsibosa morafe go hema kgokgontsho, Kgosi o supile fa dikgang tsa kgokgontso di tshwenya thata. Kgosi Tsimane o supile fa puso e ne ya lemoga botlhokwa jwa go bopa mekgatlho e e ka thusang go lwantsha kgokgontsho. O ne a supa fa mekgatlho e, e itebagantse le kgokgontso ya ditshwanelo tsa bong, ka kgokgontsho e tshela e bile mongwe le mongwe a amega. Kgosi o ne a tlhalosa fa dikgang tsa kgokgontso di ama thata bomme le bana, a supa fa bana ba tshelela mo kgokgontsong ba kgokgontshiwa ke batsadi ba ba tshwanetseng gore ba ba tlhokomele. O supile fa dipalo di supa fa e le ruri bomme ba tshelela mo kgokgontso mo malapeng, ditirong le gongwe le gongwe fa ba tsamayang teng e bile ba dirisiwa botlhaswa mo go tsa tlhakanelodikobo, dipolao le dikiteo. Kgosi Tsimane o tlhalositse gore gantsinyana fa bomme ba sena go tlaleya dikgang tsa kgokgontsho kwa mapodising, ba felela ba tsholola ditsheko. O ne a tlhalosa fa kgokgontsho ya borre le yone e le teng mme borre ba aswa senku, ba sa tswele kwa ntle go ikuela. Kgosi Tsimane o supile fa go le mo maruding a botlhe go ema ka dinao go lwantsha kgokgontso. Fa a tswa la gagwe, moemedi go tswa kwa United Nation Population Fund, Mme Mareledi Segotso o tlhalositse fa botlhe ba na le seabe sa go fokotsa kgokgontsho. O tlhalositse fa mathata e le gore bontsi bo setse bo amogetse dikgang tsa kgokgontso, ka go nna fela ba itshokile ba sa ikuele. Mme Segotso a re go na le molao o o itebagantseng le go lwantsha kana go hema kgokgontsho. BOPA society 9 Morero o botlhokwa - Ramaditse Go a itumedisa go bona mowa wa therisano o santse o tshegeditswe fa gare ga baeteledipele ba lefatshe leno le merafe ka kakaretso. Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Joseph Ramaditse wa Sepako mo kgaolong potlana ya Tutume, a re seo se netefadiwa ke diphuthego tsa kgotla tse baeteledipele ba di tshwarang gangwe le gape go utlwa megopolo le matshwenyego a Batswana. Kgosi Ramaditse o kaile fa morero o le botlhokwa ka jaana ele one o agileng lefatshe leno, a tlatsa ka go tlhalosa fa kagiso le popagano fa gare ga merafe ka go farologana e le maduo a morero. O supile fa bokao jwa morero bo tshwanelwa ke go tlotlwa ka ele one o ka tlhomamisang fa tsotlhe di apere tshiamo. O tsweletse a tlhalosa fa morero o dira gore batho ba utlwane ba bo ba nne le tshepo mo go ba ba eteletseng pele. O bile a supa fa morero o neela Batswana sebaka sa go ntsha matshwenyego le dingongorego tsa bone sentle mo baeteledipeleng ba bone. Mo go tse dingwe, Kgosi Ramaditse a re o itumedisiwa ke go bona bogodu jwa dinaka tsa ditlou jo bo neng bo tshwenya bo tsweletse ka go wela tlase. A re ba sepodisi le ba lephata la diphologolo le makgabisa naga gammogo le ba komiti ya twantsho borukhutlhi ba dira ka thata go lwantsha polao ya diphologolo tsa naga le bogodu jwa dinaka tsa ditlou jo bo neng bo tsere phekelo e sele mo motseng le mafelo mangwe a a gaufi. Go sale foo, Kgosi Ramaditse o supile gore ba tlhorontshiwa ke diphologolo tsa naga bogolo jang ditlou ka paka ya selemo gonne megobe le mafelo mangwe a di nwang mo go one a a kgala ka jalo di patelesega go tsena mo motseng di le mo patlong ya metsi. A re ditlou tse di tla ka dipalo tse di kwa godimo di gobeye mo motseng di baka tshenyo ya didiba tse banni ba motse ba nwang mo go tsone. Le fa go ntse jalo, Kgosi Ramaditse a re ka thuso ya ba lephata la diphologolo le makgabisa naga, ba nna ba dira ka gotlhe go leka go alola ditlou tseo mo motseng. BOKHUTLO politics 7 Monana o atla lenaneo Morui wa dipudi tsa lenaneo la banana kwa motsaneng wa Shakwe mo kgaolong ya Mahalapye , Rre Kabo Kudumane o iteetse lenaneo leo legofi, ka a re le bogadi bo gaufi ka jaana a kgona go oba letsogo le go inamola mo lehumeng. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Kudumane yo e leng monana wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi, o boletse fa a sala a simolotse kgwebo ya thuo ya dipudi ka ngwaga wa 2009. A re mo nakong eno, kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle fela thata le leruo le atile ka a setse a na le dipudi di le lekgolo le botlhano, morago ga go rekisa thata ka lebaka. O tsweletse a tlhalosa fa mmaraka o mo hupetsa e bile a sa o kgone ka batho ba ba rekang dipudi ba le bantsi, segolo thata ba mananeo a a tsweletseng a nyeletso lehuma gammogo le batho ka bongwe ka bongwe. Rre Kudumane a re, e re le ntswa bareki ba le motseletsele, o ikanya go rekisa dipudi tsa gagwe ka dipalo go na le go rekisa ka bongwe ka bongwe ka se ele mothale mongwe wa go tsholetsa dipoelo mo kgwebong. O boletse fa a tseetse leruo la gagwe kwa ntle ga motse le masimo, se ele go tila dikgotlhang fagare ga gagwe le balemi gammogo le baagi ba motse. Rre Kudumane o tsweletse a re o tsadisa ka dipalo tse di kwa godimo mme o lebogetse a bo a galaletsa mofuta wa diphoko tse a di dirisang go tsadisa eleng tsa Boer le Kalahari , a re o lemogile gore di tswakantswe ka jalo bana ba tsone ba gola ka bonako . O kaile fa di tshabelelwa ke go tsala mafatlha selo se a tlhalosang se mmerekela mo kgwebong ka a kgona go nna le dipudi tse dintsi mo lobakeng le le khutshwane. Rre Kudumane a re, ere le ntswa kgwebo e tsweletse sentle, ga go ke go tlhoka dikgwetlho mo thuong. A re o tshwentswe ke bophokoje ba ba bolayang marobanyana a gagwe fa a ile phulong. A re mo gongwe ke malwetse a leruo a a sa laolesegeng, jaaka fa a ne a latlhegelwa ke marobanyana a le masome a robabongwe, a bolawa ke bolwetse jo ba matlhoko a leruo ba neng ba palelwa ke go bo lemoga fa a di isitse tlhatlhobong. O tsweletse ka go bolela fa thuo ya dipodi e le tiro e bile e tlhoka motho yo o tlhaga go ka ntsha maduo. A re leruo la diphoko le tlhoka tlhokomelo e ntsi ka di nna fela mo sakeng di sa fule kwa ntle. O tlhalositse fa a ne a latlhegelwa ke phoko e nngwe e jele polasetike se a dumelang sena le seabe mo goyeng kwa tlase ga tsalo, ka phoko tse di setseng di fekeetswa ke palo ya manamagadi a a nang le one. A re ka gobo a le mo sekgweng se se nang le diphologolo tse di letshwenyo mo leruong, o feletse a tlamega go rua dintsa tse di disang. O kaile fa dintsa tse di thusa fela thata ka fa leruo le tlhasetswe o tla sala a utlwile ka tsone di bogola. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Thuto ya bananyana motheo wa popota Mogolwane mo lephateng la thuto kwa kgaolong ya Kweneng Bophirima, Rre Mokwadi Tese, a re go ithuta go simolola letsatsi le motho a belegwang ka lone go fitlhela mowa o kgaogana le nama. Rre Tese o boletse se bosheng kwa masimong a Mmaothate gaufi le Molepolole kwa kalosong ya baithuti ba ba yang go bala lekwalo la ntlha. A re fela jaaka Morena Jeso Kresete a ne a tsholelwa kwa bojelong jwa dipitse mme ya nna mmoloki wa setshaba, go supa fa motho yo o nonofileng a ka tswa gongwe le gongwe, mme a goge lefatshe. Rre Tese a re go tlhoka go tsaya boikarabelo jwa bana ke go ithola seriti sa go nna motsadi, mme a tlhalosa fa thuto ele sengwe le sengwe e bile e fetola matshelo a batho ka bontsi. Mothusa mogokgo kwa sekolong se sebotlana sa Thebephatshwa, Mme Nelly Tautona, ene o ne a gakolola batsadi botlhokwa jwa thuto go tswa kwa moding. A re ke sone se puso e itlamileng go simolodisa thuto ya matlhagola tsela go fatlholola bana ba bannye pele baya go simolola mophato wa ntlha. Mme Tautona o ne a lebogela puso maitlamo ao, mme a tlhalosa fa barutabana ba setse ba lemoga maduo a kgato eo ka jaana tema e setse e segilwe mme sa bone e le go godisa se bana ba tlang ka sone. A re baithuiti ba tlhoka lerato , tlhokomelo le bopelotelele gore ba kgone go tswelela ba ithuta. Ka jalo Mme Tautona o kopile batsadi go emisa boitseme le go latlhelela bana ba bone mme ba itse gore bana ba tshwanetse go pataganelwa le barutabana. A re fa bana ba masimo a Mmaothate ba rutegile ba ka tsoga ba tlhabolola masimo a bone. O ne gape a kopa batsadi go tlamela bana ba bone ka go ba direla sefitlholo pele ba ya sekolong go itsa gore ba tlhaele mo tseleng ka ba patelesega go tsamaya sekgalanyana go fitlha kwa sekolong. E rile a ntsha lefoko la kgothatso, Mme Onkokame Tuelo, yo e leng mokwaledi kwa ofising ya mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng/Lephepe o kopile gore bana ba ntshiwe mo malwapeng mme ba atamediwe kwa sekolong ka e bile se thusa thata le mo go tlhokomeleng bana kwa ntle ga dituelo dipe go tswa kwa batsading. O ne a fa batsadi kgakololo ya gore ba nne ba ruta bana ba bone ka maele a botshelo a re se e tlaabo ele go supa fa ba kgathala ka isago ya bone. Mongwe wa banni ba Mmaothate, Rre Rumu Thakadu o ne a leboga thata go bo ba lephata la thuto le lemogile fa bana ba tshwanelwa ke go rutuntshiwa go tswa ko tlase le kwa masimong tota. BOKHUTLO education 4 Kobang o itshetsa ka tiro ya diatla Mogwebi wa Palapye, Rre Jopa Kobang o itshetsa ka botswerere jwa gagwe ka a lemogile fa tiro ya diatla e le mosola. Mo potsolosong, Rre Kobang yo o tlholegang kwa Mochudi, a re ga go na botshelo fa motho a nna fela a sa itirele sepe ka go ka rotloetsa borukutlhi. Rre Kobang ke mogwebi wa mabante, ditomo, ledijokwe tsa ditonki, dikgomo le dipitse. A re kgwebo ya gagwe e thusa thata barui ba ditonki ka a lemogile fa dikgomo di sa tlhole di lema, a tlatsa ka gore mmaraka wa kgwebo e, o bonwa gongwe le gongwe. O boletse fa a amogela batho ba le bantsi ba ba kgatlhwang ke tiro ya gagwe mo go dirang gore a felele a nna le bareki ka dipalo tse di nametsang. A re le fa Palapye e le motse setoropo, o bona bareki ka go na le masimo gaufi. A re gore a kgone go amogele bareki ka dipalo tse di kwa godimo o dira dithoto tsa boleng ebile di le dintle mo di gapang matlho a bareki. O ne a tlhalosa fa dipoelo tsa kgwebo di mo thusa go reka didirisiwa gore kgwebo e kgone go tswelela le go tshetsa bana ba gagwe. O ne a supa fa kgwebo e a e dira ka bopelotelele ka e bile a patelesega go di dira ka diatla jaanong go mo tsaya nako. Le fa go ntse jalo, a re bonya ga bo mo kgobe marapo ka a itse fa dipoelo di nna teng morago ga thekiso. O ne a re ene o dumela gore motho o kgona go nna le kgwebo mme go na le se a se dirang gape mo botshelong jaaka ene e le molemi-morui kwa masimong a Fole. economy_business_and_finance 3 Boora Baipidi ba abela kokelwana Ba lelwapa la ga Baipidi kwa Mogapi ba abetse kokelwana ya motse oo didirisiwa tsa botsogo di tshwana le dikolotsana tse di dirisiwang ke balwetse di le lesome le boraro, dithobane ga mmogo le motshine o o tlhatlhobang madi a matona. Mothusa kgosi wa Mogapi, Kgosi Ishmael Ditsele a re ba lelwapa loora Baipidi ba tswa kgakala ba na le letsogo la go abela ba ba tlhokang. Kgosi Ditsele o ne a bua jaana kwa moletlong wa go aba dinpho, a re ba lelwapa loora Baipidi ba dira tiro ya go neela ka lorato e bile ba phuthulogile mo moweng ba itse gore tuelo ya bone e tlaa tswa kwa Modimong. Kgosi Ditsele o ne a rotloetsa setshaba go kopa dilo tse di ka tsogang di solegela matshelong a bone molemo le ba ba tshelang le bone. E rile a aba dilwana tseo boemong jwa ba lelwapa la gagwe, Rre Baipidi a supa fa dingwe tsa dilwana tse a neng a di abela kokelwana ya Mogapi a ne a di kopa kwa ditsaleng tsa gagwe tse a neng a dira le tsone kwa Amerika go simolola ka 2012 go fitlha ngogola, mme dingwe tsa tsone a ne a di reka ka madi a gagwe. Rre Baipidi, yo e leng ngwana Mogapi, a re o ne a dira jaana ka go bona letlhoko le le teng mo dikokelong tsa Botswana ka go farologana, a re go utlwisa botlhoko go bona molwetse a kgaramediwa ka kiribana kana a kukilwe, a re se se ka okeletsa molwetse ditlhabi. Rre Baipidi a re gore Mogapi a tlhabologe o tlhoka gore baagi ba bo ba eme ka dinao, a re maikaelelo le ba lelwapa la gagwe ke go tswelela ba thusa ka fa ba ka kgonang ka teng. E rile a leboga, Dr Pako Mokgwane yo e leng mogolwane kwa kokelwaneng ya Maokatumo a kopa gore dimpho tse di abilweng ke ba lelwapa loora Baipidi di tlhokomelwe gore di seka tsa onala ka bonako le go thusa batho botlhe ka go lekalekana. BOKHUTLO health 6 Letelang mo go Keresete - Kebonang Mopalamente wa Lobatse Advocate Sadique Kebonang a re go botlhokwa go nna pelotelele le go letela mo Modimong le fa motho a kopana le dikgwetlho tsa botshelo. Advocate Kebonang o buile jalo fa a simolodisa ditirelo tsa go ipelela dingwaga tse di masome a a ferang bongwe kereke ya St Theresa Catholic e ntse e le teng kwa Lobatse bosheng. O tlhalositse fa kereke eo, e amile matshelo a batho ka go farologana, ka e bile e na le sekole se se botlana sa St Theresa teng kwa Lobatse. E rile a tswa la gagwe, mogolwane wa kereke eo, Rre Albert Mothibi, a bolela fa kereke eo e fetotse matshelo a batho ka bontsi. A re le ene tota o dirile dithuto tsa gagwe tse dipotlana kwa sekoleng seo ka 1946. Rre Julius Segano, yo e leng lebutswapele, o tlhalositse fa kereke eo, e simologile ka 1929, e le kereke ya bobedi ya Roma mo lefatsheng leno. A re go ipelela dingwaga tse di masome a a ferang bongwe go supa gore kereke e a gola, e bile e dira ditiro tse dintsi. Rre Segano o boletse gore o ne a thusa batho basweu go ranola thuto ya Sekeresete gore Batswana ba tlhaloganye ka Modimo le yone tumelo tota. religion_and_belief 8 Bolwetse jwa sukiri bo tshwanetse go potlakelwa Go tlhalosiwa fa bolwetse jwa sukiri e le bongwe jwa malwetse a a tshabelelang bana thata. E rile a ruta ka bolwetse joo kwa letsatsing la botsogo le tshwaretswe kwa Ramotswa bosheng, mooki kwa motseng oo, Rre Obuile Makwati a bolela fa mmele wa motho o tlhoka sukiri mme fa lebete le ntsha sukiri e ntsi kgotsa le sa e ntshe gotlhelele, go supa fa motho a na le bolwetse jwa sukiri jwa type 1. O tlhalositse fa mofuta wa sukiri e, o tshabelela banana thata mme gape o le borai ka e le one o bolayang thata. Rre Makwati o tlhalositse fa mofuta o mongwe wa sukiri wa type 2 o tshabelela bagolo le batho ba ba sa ikatiseng, batho ba bakima le ba ba nang le kgatelelo ya maikutlo. O boletse gape fa dipilisi dingwe tse di ka amang lobete di na le seabe mo go tsenyeng batho bolwetse jwa sukiri. O boletse fa dingwe tsa dikai tsa bolwetse jwa sukiri e le go tshwarwa ke lenyora thata, go tshwarwa ke tlala thata, go tlhapologa kgapetsakgapetsa le gone go latlhegelwa ke mmele. Mooki o tlhalositse fa dikai tsa bolwetse jo di kgona go itshupa ka bofefo, ka jalo go le botlhokwa gore batho ba bo itlhatlhobele go sa le gale. Rre Makwati a re fa molwetse wa sukiri wa type 2 a tsaya dipilisi tsa teng sentle, a aja sentle a bo a itshidila mmele, o kgona go tshela lobaka. O tlhalosa gore fa molwetse a sa nwe dipilisi tsa bolwetse jo sentle o ka tsenwa ke malwetse a mantsi a masesane, kwa bofelong diphilo di bo di amega mme molwetse a tsenwe ke bolwetse jwa go swa mhama. Mooki o boletse fa mofuta wa sukiri ya type 1 o tlhoka go emelwa ka dinao thata ka molwetse a tlhoka go tsaya mokento tsatsi le letsatsi ka jalo a tlhoka thotloetso ya ba lolwapa. health 6 Makhanselara a Borwa a akgola Tautona Khama Makhanselara a Borwa a sa tswa go akgola Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama go bo a tlaa bo a rola marapo a neela Rre Mokgweetsi Masisi ngwaga o o tlang ka kagiso le bopelotheri. Makhanselara ba buile ka bongwefela jwa pelo kwa dipusanyong tsa khansele tse di tsweletseng mo Kanye beke eno. Mokhanselara wa Moshana, Rre Eric Chelenyane o eleleditse Tautona Khama masego le matlhogonolo, a bolela fa a tlaa tlogela go sena tshololo ya madi kgotsa madubedube ape mo Botswana. O boletse fa a tlogela lefatshe mo ledulong le le siameng. Mokhanselara wa Pitsane, Rre Lazarus Ncube a boletse fa Tautona Khama a tlogela ka kagiso, go sena tsapa le fisang pelo. O mo lebogetse go dira ka mowa o o siameng. Mokhanselara Ben Lebogang la re Tautona Khama o ganeditse kgang e e neng e buega bogologolo, bangwe ba re o tsile go ganelela mo setilong. Mo dikakgelong tse dingwe, mokhanselara wa Diboto kwa Moshupa, Rre Olebogeng Sethibe o ngongoregile ka go re modulasetilo wa khansele, Rre Alec Seametso ga a a bua sepe ka kokelo ya Moshupa gore e tsamaya fa kae go agwa. Rre Sethibe gape o kopile gore ba lekodisiwe ka tiro ya go goga metsi go tswa bokone go ya borwa, gore e bokgakala bo kae ka gore metse e mentsi mo borwa e mo lenyoreng. O ngongoregile ka botlhokatsebe jwa banana, a bolela fa bo dirwa ke go tlhoka ditiro mo go golelang pele. Mokhanselara Diana Mokhube wa Hebron o ne a gatelela gore go thusiwe bananyana ba motsana wa Marojane kwa kgaolong ya Borolong, ba ba tsamayang sekgala se seleele ba ya sekoleng kwa Hebron. O ba kopetse khombi gore ba isiwe sekoleng, mme makhanselara mangwe ba ne ba ganana le ene ba bolela fa metse e mengwe e thusiwa ka dikara tsa ditonki go isa bana sekoleng. Mokhanselara wa Marapalalo mo Kanye, Rre Kabelo Lemme o kopile gore go dirwe madirelo a a tlaa dirang le dijo tsa naga le maungo a tlholego go rekisiwa go dira mebereko. A re di-tsa tlholego jaaka morula, mogorogorwane, mmilo, moretlwa le mmupudu di ka dira dinotsididi. O kopile gore makhanselara ba agelwe metlobo ya dibuka gore le bone ba nne ba bala ba batlisisisa. O ngongoregetse go ima ga bana ba dikole le gore ba-na-le bagole ga ba a kwadisiwa botlhe mo kgaolong. Mokhanselara Mosekisi Rangobane wa Ntsweng mo Kanye, o ngongoregile ka ditlhwatlhwa tsa Botswana Agricultural Marketing Board, a bolela fa di le kwa godimo. O bolela fa dinawa jaanong di digilwe madi. Bontsi jwa Makhanselara ba ngongoregile ka letlhoko la metsi mo dikgaolong tsa bone, ba kopile gore ba water utilities ba ititeye ka thupana. politics 7 Molelo wa kgolagano ga o amane le dikgotlhang Tona wa botsogo, Mme Dorcas Makgato, a re molelo wa kgolagano ga o amane le dikgang tse di ntseng di le teng mo metseng ka go farologana mme di batla ditharabololo. A re banni ba tshwanelwa ke go baya dikgotlhang tsa bone kwa thoko mme ba amogele molelo wa kgolagano ka e le one o tshwaraganyang Batswana mme ba tlaa rarabolola dipharologano tsa bone morago. A re molelo wa kgolagano o supa popagano, kutlwano, o fa masego le lone lerato le Batswana ba tshelang ka lone. Mme Makgato o ne a tsibogela mafoko a a neng a buiwa ke Rre Basiami Kolagano wa Tumasera kwa phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa bosheng. Rre Kolagano o ne a supa fa banni ba Tumasera ba na le mathata fa molelo wa kgolagano o tla mo motseng wa bone ka ba ne ba solofetse fa o ba tlela ka kutlwano. A re banni ba Tumasera ga ba dumalane le ba Seleka ka dilo dingwe jaaka dikago tsa puso le gore ke motse ofe o o tlaa amogelang molelo. A re lenaneo la molelo wa kgolagano le supa fa molelo wa kgolagano o tlaa gorogela kwa Seleka mme o tlaa bo o ralala mo motseng wa bone ntswa o kabo o amogelwa ke Kgosi Kelapile Maleele ka e le ene kgosi e tona. Le fa go ntse jalo, Mme Makgato yo gape e leng mopalamente wa kgaolo ya Sefhare/ Ramokgonami o ne a tlhalosetsa banni fa a ne a tsaya boikarabelo jwa go bona gore molelo wa kgolagano o aname le metse yotlhe ya kgaolo ya gagwe. A re banni ke bone ba tlaa nnang le sebaka sa go itlhophela gore ba isa molelo oo kwa mafelong afe. O ne a tlhalosa fa molelo wa kgolagano o sa laolwe ke ope mme komiti ya BOT50 e le yone e dirileng lenaneo la one. O ne a gwetlha banni go bopagana mme ba tsweledise lenaneo la molelo wa kgolagano. BOKHUTLO politics 7 Ba Khakhea ba ipelela peo ya kgosi E ne e le boitumelo jo bogolo fa banni ba Khakhea ba kgobokane kwa kgotleng ya bone go ipelela go tlhongwa ga kgosi ya bone, Kgosi Joseph Mantries bosheng. E rile fa a baya Kgosi Mantries lefoko, Kgosikgolo ya Barolong, Kgosi Lotlaamoreng II, a mo rotloetsa go reetsa dikgakololo tsotlhe; a gatelela fa a tshwanetse go tlhotlha dikgakololo ka tse dingwe e le tse di ka digelang bogosi le motse wa gagwe ka lemena. O ne a gakolola Kgosi Mantries botlhokwa jwa go tshwara banni ba motse wa gagwe ka lebogo le le lengwe; a supa fa seo se ka tsisa kagiso le tirisanyo mmogo mo go ageng motse wa Khakhea. Kgosi Lotlaamoreng o ile gape a mo gakolola gore a se ikamanye le ditlhopha tsa sepolotiki ka seo seka kgaoganya motse wa gagwe. Fa a ama tsa ditlhabololo, Kgosikgolo ya Barolong o rotloeditse Kgosi Mantries go dirisanya thata le komiti ya ditlhabololo tsa motse gore ba tle ka maano a a ka thusang go tsosa itsholelo ya motse wa bone; a kaya fa puso ka bo nosi e ka seke e kgone go araba matlhoki otlhe a Batswana. O gateletse thata gore kgosi Mantries a kgaleme botlhoka tsebe bo bo atleng bo diragale, a supa fa motse o tshwanetse wa nna ka thokgamo le tshosologo. Kgosi Lotlaamoreng II o ne a kopa banni ba Khakhea go dirisana sentle le kgosi ya bone, a tlhalosa fa go dira jalo go ka tlhofofatsa tiro ya ene o o ba eteletseng pele. Mothusa Kgosikgolo ya Bangwaketse, Kgosi Kebapetse Telekelo, o rotloeditse Kgosi Mantries go rotloetsa mowa wa kutlwelobotlhoko mo batlhoking, a bua fa ‘fifing go tshwaranwa ka dikobo’. Kgosi Telekelo o gateletse gape gore magosi a tshwanetse a tshwaragana le puso mo go nyeletseng lehuma. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Joseph Mantries, yo o sa tswang go tlhongwa, a lebogela dikgakololo tse a di beilweng pele ke bo mogolowe, a kaya fa di tla mo thusa mo tirong ya gagwe e e bokete ya go etelela pele morafe. A tswelela a tlhalosa fa keletso ya gagwe e le go bona go na le popagano mo motseng, a bolela fa a tla rotloetsa banni ba Khakhea go akola mananeo a puso a go tokafatsa temo thuo ka a lemogile fa banni ba Khakhea ba le maoto a tshupa mo go itlhakatlhakanyeng le mananeo a puso. Bokhutlo society 9 Ga e golelwe e tlodisa melatswana Thuto ke selo sa botlhokwa mo botshelong jwa motho, ka e fa seriti, dikitso ka go farologana le maano a go ka rarabolola dikgwetlho dingwe tsa botshelo. Mo letsomong la go itse le go tlhaloganya mosola wa thuto mo botshelong jwa motho, bagodi bangwe kwa motseng wa Tutume mo kgotleng ya Magapatona ba ne ba ikitaya ka thupana go ikopanya le ofisi ya thuto ga e golelwe go itse botoka ka lenaneo la thuto aa e golelwe. Mme Nnani Mbaiwa yo o dingwaga tse di masome a supa le borataro le Mme Masetlhare Mabutho yo o dingwaga tse di masome a robangbobedi le bosupa, ba supa fa ba itemogetse fa thuto e le pilara ya botshelo gape e dirile pharologanyo mo matshelong a bone. Mme Mbaiwa a re o simolotse go tsena dithuto tsa ‘Ga e golelwe’ ngwaga o o fetileng, mme mo nakong eno o dira lokwalo lwa bobedi. Mme Mbaiwa a re thuto ga e golelwe e fetotse botshelo jwa gagwe ka jaana lesedinyana le a setseng a le amogetse le fetotse botshelo jwa gagwe ka o setse a itse go bala le go kwala. A re pele a ya Ga e golelwe, o ne a tshela ka go nna a raletse motse, sephiri sa lwapa la gagwe se itsewe ke mang le mang, ka jaana e ne e re bana ba mo kwaletse a kope go balelwa le gone go fetola mokwalo. Mme Mbaiwa o bile a supa fa a setse a na le bokgoni jwa go ipalela ditaelo tsa ngaka ntle le thuso epe. A re o setse a simolotse go lema le go rekisa morogo go itshetsa ka jaana o setse a itemogela go le gontsi. Maikaelelo a ga Mme Mbaiwa ke go ipona a weditse lokwalo lwa bosupa e bile a kgona go bala sekgoa. Mo ntlheng e nngwe, Mme Mabutho le ene o supile fa Ga e golelwe e mo ntshitse mo lefifing le a neng a le mo go lone, a re o setse a kgona go itshaenela fa a tsaya madi a bagodi. Mme Mabutho a re sekole le sone se na le dikgwetlho bogolo jang motho a se tsena a godile, a tlatsa ka gore fela o ne a ikitaya sehuba gore go se nne sepe se se mo kgopakgopang mo dithutong. A re se se mo itumedisang ke gore dithuto tsa Ga e golelwe di simolola motshegare, ka jalo, se, se fa motho sebaka sa gore a dire ditiro tse dingwe tsa mo lapeng. Gape a re dithuto tse di tsenwa ke bontsi jwa bagolo, sengwe se a reng se ne sa mo tiisa mooko. Mme Mabutho a re nako e tsile ya gore bagolo ba eme ka dinao go amogela lesedi la go bala le go kwala ka jaana botshelo jwa malatsi a, bo tlhoka thuto. A re letshego la tebelopele ya setshaba la ngwaga wa 2016 la tshaba e e rutegileng e bile e na le kitso, le raya gore ka nako eo bagolo le bone ba bo ba na le kitso e e maleba. Go sale foo, Mme Mabutho a re se se mo kgatlhang ka Ga e golelwe ke gore ga ba rute go kwala le go bala fela. A re morago ga dithuto ba rutwa go loga ditlatlana, go roka le ditiro tse dingwe tsa matsogo tse ka tsone ba ka ipulelang dikgwebo.Bokhutlo education 4 Bakgweetsi ba latlhegelwa ke matshelo Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa kotsi e mo go yone bakgweetsi ba dikoloi tse pedi tse di amegileng mo kotsing baneng ba tlhokafala. Mogolwane wa mapodisi a Tutume, Superintendent Jerry Halahala o boletse mo potsolotsong gore kotsi eo e diragetse ka Labotlhano ka nako ya metsotso e e lesome le botlhano go ya ko nakong ya lesome le bobedi bosigo. Superintendent Halahala a re go thulanye dikoloi tse pedi; ya mmotorokara ya Nissan Sunny le ya Toyota Alex dikhilomithara tse di masome mabedi go tswa kwa Tutume mo tseleng ya Tutume-Francistown gaufi le motse wa Nshakashogwe. Ka go tlhoka lesego, mmotorokara wa Nissan Sunny o ne wa kapa molelo mokgweetsi a le mo teng. A re koloi ya Toyota Allex e ne e tswa kwa Tutume e na le motho a le mongwe fa ya Nissan yone e ne e tswang ntlheng ya Francistown go le monna le mosadi wa gagwe, mme ya kgwela mosadi ko ntle a bona dikgobalo tse di masisi pele ga e lora. Superintendent Halahala a re ba ile ba ragosetsa boraro joo kwa kokelong ya Tutume kwa go tlhomamisitsweng fa bakgweetsi ka bobedi ba tlhokafetse. O ile a tlhalosa fa bakgweetsi bao e le borre ba ba dingwaga tse di fa gare ga masome mararo le masome mane. A re rre wa Nissan Sunny ene o tlholega kwa Tutume fa wa Toyota Allex ene a tswa kwa Mosu kwa kgaolong ya Boteti mme ditopo di le kwa setsidifatsing go tlhatlhojwa ke dingaka.A yo o gobetseng o kwa kokelong ya Nyangabwe kwa Francistown kwa go bolelwang a sidilega teng. A re ba santse ba le mo ditlhotlhomisong go bona se se ka tswang se bakile kotsi eo mme a re ba belaela fa gongwe nngwe ya dikoloi tseo e ka tswa e ne ya tswa mo moleng wa yone. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Ntlwana ya boitiketso e botlhokwa Mogolwane go tswa kwa khamphaneng ya ditena ya Makoro Bricks, Rre Kennedy Nxube a re bontsi ga bo tlhaloganye botlhokwa jwa ntlwana ya boitiketso mme fela jaaka dijo, diaparo le bonno, e botlhokwa mo matshelong a batho. Rre Nxube a re ntlwana ya boitiketso e kganela malwetse a a ka anamisiwang ke leswe la motho fa e dirisiwa ka nako tsotlhe. Fa go ne go kgonagala, a re batho ba ka bo ba aga matlwana mo malwapeng pele ga ba aga matlo a borobalo. Rre Nxube o ne a bua kwa moletlong wa go rolela semmuso Mme Oathotse Ramatshosa ntlwana ya boitiketso kwa Moshopha e e agilwaeng ke badiri ba lephata la temo-thuo ba ba direlang kwa Machaneng. Ntlwana ya boitiketso a re e fetola seriti sa motho. “Mme Ramatshosa o tlaa simolola go etelwa le ke ba ba ntseng ba sa mo etele ntateng ya letlhoko la ntlwana.” Mogokaganya mananeo a temo- thuo kwa kgaolong ya legare, Rre Moagi Sinombe a re badiri ba lephata la temo-thuo go tswa kwa Machaneng ba ne ba bona go tshwanela gore ba agele motlhoki ntlwana ka ba dira le batho ba le bantsi, bogolo jang balemi-barui. A re lephata la gagwe ga le a itebaganya fela le tsa temo-thuo mme le kgona go tsaya nako go direla setshaba. Lephata la temo-thuo a re le rotloetsa balemi-barui go nna le matlwana a boitiketso kwa masimong, meraka le kwa magaeng, go kganela bolwetse jwa mabele jo bo fitlhelwang mo diruiweng di tshwana le dikgomo. health 6 Batswana ba kopiwa go lema mabele Batswana ba kopilwe go lema mabele ka a kgona go itshwarelela mo leubeng gona le mmidi. Se se boletswe ke mothusa mokwaledi wa lephata la temo-thuo, Rre Boweditswe Masilo mo ditshupong tsa go lemotsha Bakgatla ka mosola wa temo ya nosetso. Rre Masilo o boletse fa Batswana ba tlwaetse go lema mmidi ba sa leme mabele ntswa le one a jewa fela jaaka mmidi ebile ditlhwathwa tsa mabele dile kwa godimo fela jaaka mmidi. A re Batswana ba tshwanetse go lema temo ya nosetso jaaka merogo, losene le dinawa mme ba lemela go rekisetsa madirelo a matona le go rekisetsa Batswana ba bangwe ba ba sa lemeng. O boletse fa go dira ditshupo e ne e le go lemotsha batho ka temo ya nosetso le go tsaya malebela mo go bone go tlhabolola temo ka kakaretso. Rre Masilo o boletse fa gona le mananeo a a farologaneng a banana ba ka a dirisang jaaka go rua dikgomo tsa mashi,dinotshi, dikgomo tsa nama dikoko le dipodi, kana ba ikopanya gore mmuso o ba epele sediba le go nna le tshimo e tona ba lema mo go yone. Mokhanselara wa Malolwane /Ramonaka Rre Stephen Makhura ene o ne a re metsi a noka ya Madikwe a ija fela a sa dirisiwe ke Batswana ba ba gaufi le noka e ntswa ba ba bapileng le bone ba Afrika Borwa bone ba dirisa metsi a noka e go lema . Are go pala eng gore mmuso o goge metsi a ba tle ba kgone ba leme masimo mo thoko ga noka gore le bone ba jese Batswana. E ne yare a amogela baeng, kgosi ya Mmathubudukwane, Kgosi Micheal Balebetse a ikuela mo sechabeng go tlhokomela leruo la bone. O ne gape a kopa banni ba metse ya noka go tlogela go latlhela matlakala gongwe le gongwe ka e le go leswafatsa tikologo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Leobo la bagodi le butswe kwa Molalatau Modulasetilo wa khansele potlana ya Bobirwa a re puso e seegetse fa thoko ditiro dingwe tsa ditlhabololo ka ntata ya kwelo tlase ya itsholelo e e amileng mafatshe go balelwa la Botswana. Mokhanselera Ishmael Legwaila o buile seo fa a ne a bula semmuso leobo la bagodi le le lopileng madi a a fetang P7 000 kwa Molalatau. Rre Legwaila a re lefa go ntse jalo, ditlhabololo tse di tshwanang jaaka metsi le motlakase puso e ne ya bona go le botlhokwa gore di tswelele ka go dirwa jaaka kepo ya matamo go akarediwa la Thune le a reng le setse le fedile. A re mme go setse gore boraditogamaano ba sekaseke bora-dikonteraka go balelwa tsa Batswana go bona gore go epiwe mesele ya dipompo tse di tlaa phatlalatsang metsi le metse ya Bobirwa, a re gape le go gokela didiba dingwe go nama di siela batho metsi, a re madi a setse a bonwe a go dira ditiro tseo. A re mo nakong eno konteraka e setse e simolotse go betla ditsela tsa Bobonong tiro e e areng bana bangwe ba bone ditiro go oba letsogo, a tlhalosa fa ditiro tse di saletseng kwa morago di tlaa dirwa fa itsholelo e sena go itshetlela ka jaana mo nakong eno puso e santse e tlhaelelwa ke madi. Rre Legwaila a re se se diragetse ka ntata ya boeteledipele jwa bopalamente le khansele, fa a itebaganya le dibetso tsa tlholego morago ga dipula tse di neleng ngwaga ono Rre Legwaila a re, go tlaa agiwa matlo a le masome a mabedi le bone kwa Molalatau go thusa ba ba amegileng, a tlhalosa fa boemedi bo le botlhokwa gape bo na le dikgwetlho mme ebile maano a boemedi a sa tle motlhofo. O galaleditse boeteledipele jwa motse wa Molalatau go akarediwa komiti ya ditlhabololo tsa motse, mokhanselara, ba bogosi le bodirela puso go bo ba tshwaraganetse ditlhabololo tsa motse wa bone le go nna le tebelopele, a re go supa fa ba rata loago lwa motse wa bone. E ne e rile go le pele mokhanselara, Rre Nathaniel Moribame a rotleotsa setshaba go ikwadisetsa ditlhopho tsa botlhe tsa 2014 mo ikwadisong e e tsweletseng gore ba tle ba nne le sebaka sa go itlhophela baemedi ba ba ba ratang, a re go itlhokomolosa tlhopho ke go ithontsha tshwanelo. Rre Moribame o boleletse banni ba motse oo ba baneng ba tsile ka bontsi fa jaanong matlhophelo a masimo a mhawana a wela kafa tlase ga kgaolo ya Molalatau ka jalo ba ba gaufi le one ba gololesegile go ka ikwadisetsa ditlhopho teng. O bile a ba itsise gore go dumalanwe gore dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV di tlaa tseelwa kwa kokelwaneng ya Molalatau go simolola ka kgwedi ya Ngwanatsele e rogwa e le bontlha bongwe jwa go atametsa batho ditlamelo tsa botsogo mme tekodiso yone e tlaa bo e santse e dirwa mo Bobonong A re mo kgweding ya Sedimonthole go tlaa bonwa gore baka thusiwa jang mabapi le go itekodisa ba bongaka ka jaana ba botsogo ba ikaelela go tlhabolola tsa botsogo, a re kokelwana ya bone e tlaa tlhabololwa mo ngwageng wa madi wa 2014/2015 fa madi a ka bonwa. Rre Moribame o ne a abela bagodi ditilo di le masome a mane tse ba tlaa di dirisang kwa moriting wa leobo le ba le agetseng bagodi ka tshwaragano ya mokhanselera, VDC, bogosi le badirela puso, a re gape bane ba atolosa leobo la kgotla, a supa fa ba tshwaraganetse togamaano ya ditlhabololo. BOKHUTLO politics 7 Bagwebi ba babotlana ba re ga ba a boelwa ke sepe Lebelo la dikoloi la Toyota Kalahari 1000 Desert Race, le le itsegeng ka Mmantshwabisi le ne la phutha barati ba lone go tswa khutlong tse nne tsa lefatshe leno ga mmogo le mafatshe a mangwe. Ba dikgwebo tse dipotlana le bone ba ne ba seka ba batla go salela kwa morago mme ba ikaelela go roba sengwe mo malatsing a mararo a lebelo le le neng le tshwerwe ka one. Le fa tshologelo e ne e le kwa godimo, bagwebi ba babotlana, bogolo jang ba ba neng ba tlhoma metlaagana ya bone kwa lebaleng la Sam Sono kwa Phikwe le mabelo a neng a simologa a bo a felela teng, ba ne ba ipoela fela ba iphotlhere. “Re tsene mo lebaleng ka Labotlhano, mathata batho ba ba neng ba rekile diteseletso ba ne ba le bantsi thata gape le theko e ne e le boutsana,” go bua jalo Mme Ini Ntoisang. Mme Ntoisang, yo o neng a tswa Francistown go tla go rekisa, a re o dirisitse madi a mantsi go reka dijo ka tsholofelo ya gore theko e a go nna teng. A re o feletse a tsholola bogobe jo a neng a bo apeile, ka bo ne jwa lala fela go sena ope yo o bo rekileng. A re bothata jo a bo itemogetseng ke gore khansele ya Selebi Phikwe e ne ya ntsha bagwebi ba babotlana fa lebaleng, go twe fa ba teng go tlaa bo go ema dikoloi. A re o nile a tshwanelwa ke go fuduga fa a neng a bone phatlha teng a ya kgakala le lebala, ka jalo kgwebo ya amega. Mogwebi yo mongwe yo mmotlana, Mme Maitumelo Sebetlela yo o neng a tswa Palapye, le ene o ne a lela sa ga Ragele, a re ga a a bona le fa e le sepe. A re lebelo le batla kgwedi e fedile batho ba le bantsi ba na le madi. A re khansele le yone e tshwanelwa ke go tokafatsa seemo se ka gore bangwe bagwebi ba ne ba ipeile fela ba sa reka diteseletso. Mme Sebetlela a re se ga se a siama ka gore ene o duetse teseletso ya P100, mme ba ne ba tladiwa ke batho ba ba sa rekang diteseletso. A re mme legale o ithutile go le gontsi ka kgwebo, a re o kgonne go lemoga gore o ka dira botoka jang ngwaga o o tlang. A re bareki ba na le nako e ba rekang ka yone le dijo tse ba di ratang. A re gape bagwebi ba babotlana ba tlhokile morero le kitso ka lebelo le, a tlhalosa fa bontsi jwa bone ba ne ba sa itse tsela e dikoloi di yang go tsamaya ka yone, gore ba kgone go rekisa kwa mafelong a batho ba neng ba lebeletse dikoloi di feta kwa go one. A re bontsi jwa batho ba ne ba tswa mo lebaleng la Sam Sono ba ya kwa mafelong ao, ka jalo ga nna thata go rekelwa. Mme Temogano Mokgoro yo e leng mogwebi mo Phikwe e bile a rekile teseleto ya motlaagana go bapa fela le lebala la Sam Sono, a re kgwebo e nnile botoka ka Matlhatso go na le Labotlhano le Tshipi, ka tshologelo ya batho mo Phikwe e ne e le ntsi. A re bontsi jwa batho ba ne ba rekisa dijo tse di tshwanang, gape ba ne ba iteisana borathana le dikgwebo tse ditona, a re batho ba ne ba reka thata kwa mabentleleng. Mme Mokgoro a re lebelo le le lesha mo Phikwe, ka jalo nako e e tlang o tlaa bo a itse gore o ka dira pharologanyo e e ntseng jang. Mogolwane wa khansele ya Phikwe, Rre Mozondic Moswete a re khansele e ne e ntshitse diteseletso tsa P100 di le 926 le tsa P150 di le masome mararo le boferabobedi, ga mmogo le tsa nyeletso lehuma di le masome mabedi le bongwe. economy_business_and_finance 3 Dipodi di tlhakaladitse Mandunyane Banni ba Mandunyane ba bolela fa ba tshwenngwa ke dipodi tse di tletsetletseng mo kgaolwaneng ya bone. Fa ba bua mo phuthegong ya go ba tsisetsa ditlamelo bosheng, mongwe wa banni, Mme Cynthia Kopong, o tlhalositse fa bothata jwa dipodi tseo e le go tlhoka tiso. A re o na le tshingwana ya merogo mo lwapeng la gagwe mme go le gantsi ga a akole sepe mo go yone ka dipudi tseo di mo senyetsa. Rre Oabona Madumela le ene o bolela fa a tshwentswe thata ke dipodi tseo ka di kaila gongwe le gongwe le mo ditseleng tsa dikoloi tota, a supa fa se, se feletsa se ba dirisa diphoso fa ba kgweetsa ka dipudi tseo di na le go itatlhela mo tseleng mme di bake dikotsi tsa tsela. E rile a tswa la gagwe, mokhanselara wa kgaolwana eo, Brigadier Bathoen Maseko le ene a tlhalosa fa a le moono mongwe le banni ba kgaolwana eo ka a re dipudi tseo di itaya tsebe fela thata. O kopile barui ba kgaolwana eo go tlhokomela leruo la bone gore le tlogele go tlalatlala gongwe le gongwe. A re banni ba tshwanetse go itse gore go sa tlhokomela loruo go ka dira gore ba atlholwe kgotsa go gapiwe lone loruo ka ba tlaa bo ba tsenya matshelo a batho mo diphatseng. Brigadier Maseko a re thuo ya dintsa mo kgaolwaneng ya Mandunyane e kwa godimo, a bolela fa a lemogile gore motho a le mongwe o kgona go rua dintsa di feta lesome, mme a tlhalosa fa go dira jalo le gone go ka nna diphatsa mo matshelong a batho. BOKHUTLO society 9 Malwelwe o lela ka lenyora Kgosi ya Malwelwe gaufi le Letlhakeng a re motse wa gagwe o bolawa ke lenyora le ntswa o le mo gare ga metsi a a nosang metse e e akaretsang Thamaga. E rile a bua mo potsolotsong, Kgosi Bokau Tobe a supa fa go ngomola pelo go bona metsi a pompiwa mo didibeng tse di mo tikologong ya motse wa bone go nosa metse e mengwe. A re e ne ya re fa go dirwa tanka ya metsi kwa motseng wa gagwe e e nosang metse eo, go ne ga nna le tumalano ya gore Malwelwe o tlaa gokelwa mo dipompong tse di tsayang mo tankeng eo, mme nako kgolo ke eno e bile khamphani e e neng e dira tiro eo e setse e phuthile e tsamaile. Kgosi Tobe o supile fa seemo se dirilwe maswe le go feta ke go kgaolwa ga dipompo tsa morafe mo motseng maikaelelo e le go tsenya tse di duelelwang kwa pele, mme a re sebe sa phiri ke gore go tsere lebaka go di emisetsa. A re se se dira gore motse otlhe o lwele tse di seng kae tse di sa ntseng di setse, e bile a re seemo seo se dirwa maswe le go feta ke go bo motsana o o mabapi wa Maratswane le one oo ga metsi mo Malwelwe. Mo go tse dingwe Kgosi Tobe o ikuetse ka ditsela tse di gokaganyang motse wa gagwe le metse e e mabapi ya Letlhakeng, Ngware, Botlhapatlou le Mantshwabisi a re ga di mo seemong se se itumedisang. A re jaaka paka ya dipula e kokota jaana ba a bo ba ya go tshwaragana le bothata fa ba di di dirsa, bogolo jang fa ba batla go ya Letlhakeng ka e le gone kwa ba tsayang ditlamelo teng. A re seo se baka gore dikotsi di nne dintsi mo go tsone. Kgosi Tobe o bile a lela ka tlhaelo ya boroko ja badirelapuso mo motseng wa gagwe, a a fa sekai ka mooki wa motse yo a reng o kabo a sa le a tsile ka kgwedi ya Phatwe mme a ise a iponatse ka ntlha ya lone letlhoko la boroko. BOKHUTLO society 9 Ba kopiwa go tsamaya ka lobelo lo lo kwa tlase Mogolwane wa mapodisi a Letlhakane, Superintendent Michael Maphephu a re o kopa bakgweetsi kwa kgaolong ya gagwe go tsamaya ka lebelo le le kwa tlase le go obamela matshwao a tsela. Superintendent Maphephu o buile se a supa fa ba tshwentswe ke dikotsi tse di ileng magoletsa bosheng mo Letlhakane le mo kgaolong ya gagwe ya sepodisi ka kakaretso. Rre Maphephu a re bosheng ba gatisitse dikotsi tsa tsela di le nne tse di gapileng matshelo a le marataro. Superintendent Maphephu a re o gakolola bakgweetsi bogolo jang ba ba dirisang tsela ya Orapa/Francistown go tsamaya ka lebelo le le kwa tlase ka jaana tsela eo e na le leruo le lentsi le le gobeyang mo tseleng. A re dikgoro tse di tsenang mo merakeng le masimo ba leka go di tswala mathata ke gore badirisi ba tsone bone ba di tlogela di sa tswalwa mme ka jalo leruo le tsene mo tseleng. Rre Maphephu o ne gape a re o gakolola batsamaya ka dinao go ikela tlhoko mo dikoloing fa ba tsamaya fa thoko ga tsela le fa ba e kgabaganya. Superintendent Maphephu o ne gape a re o kopa bakgweetsi gore fa ba fitlhela kotsi mme ba thusa, ba tswe gotlhelele mo tseleng, a bua jalo morago ga gore dikoloi tse tharo di thulane fa godimo ga e e neng e thudile kgomo. Superintendent Maphephu a re ba gatisitse kotsi e mo go yone koloi e thudileng ya ba ya bolaa mosadi yo o dingwaga tse di masome a supa le borataro. Mo kotsing e nngwe,koloi ya modiro wa BMW e thulane le e nngwe ya gapa matshelo a le mararo fa ba bangwe ba le bararo ba robaditswe kwa sepateleng go alafelwa dikgobalo. Mo go e nngwe a re monna wa dingwaga tse di masome a mararo le boraro wa kgotla ya Letsibogo mo Letlhakane o ne a thula setlhare ka koloi ya modiro wa Land cruiser ka nako ya lesome le bongwe bosigo mme a tlhokafalela gone foo. Mo kgannyeng e nngwe Superintendent Maphephu a re ba tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome a mararo le boferabobedi yo o dirang e le mokgweetsi kwa sekoleng se segolwane sa Motsumi, ka molato wa go tshosetsa go bolaya mosadi wa dingwaga tse di masome a mane le boferabongwe yo le ene a direlang kwa sekoleng seo mo go tsa madi. Superintendent Maphephu a re bobedi joo bo ne ja tlhoka kutlwisisano ka dituelo. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Kgosi Shakwa o bolokilwe Matshwititshwiti a Batawana ba ne ba tsene phitlho ya mongwe wa mabutswa pele a maloba, Kgosi Shakwa Shashe wa kgotla ya Shashe mo Maun yo o tlhokafetseng morago ga go lwala ka lobaka lo loleele. Kgosi Shakwa o tshotswe ka 1912 kwa merakeng ya Gxharaxhao mo Nhabe. O tlhokafala jaana a le dingwaga di 106. Sebui go tswa kwa bogosing jwa Batawana, Kgosi Babinang Majatsie a re Kgosi Shakwa o berekile le Kgosi Moremi II bogologolo e le moithaopi mme morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Moremi a bereka le Mohumagadi Pulane ebong mmaagwe Kgosi Letsholathebe Moremi. Otsweletse a re morago ga go tlhokafala ga ga Mohumagadi Pulane o ne a bereka le Kgosi Letsholathebe Moremi yo e neng e le rraagwe Kgosi Tawana, a tswelela jalo go fitlhela ka 2012 fa a ithola tiro. O tlhalositse fa Kgosi Shakwa a simolotse tiro ka boithaopo ka 1940 mme ya re morago a simolola go duelwa. Are e ne e le motho yo o lerato e bile a tshwara mongwe le mongwe ka tekatekanyo. Mokhanselara wa pele wa kgaolo eo, Rre Pelokgale Monyame o boletse fa a kopane le kgosi ka 1986 fa a ne a ya go kopa setsha sa bonno ka e ne e le motho wa Mmadinare mme a na le keletso ya go nna moagedi wa Maun. O tlhalositse fa a ne a neelwa setsha mme ya re morago a bereka le kgosi jaanong a setse a tlhophilwe go nna Mokhanselara, ka jalo ba simolola go dira ditlhabololo tsa kgaolo. O tlogela mosadi yo o dingwaga di 93. O ne a segofaditswe ka bana ba roba bongwe mme o tlogela ba le bane e le bomme le dikokomane tse 57. BOKHUTLO society 9 Koketsego ya dipetelelo e a tshwenya Mookamela mapodisi a kgaolo ya Ghanzi, Senior Superintendent Mokolobetse Marata, a re dipalo tsa petelelo di golela pele mo kgaolong ya gagwe. Senior Superintendent Marata a re dipalo tsa petelelo go simolola ngwaga ono o simolola go fitlhelela kgwedi ya Sedimonthole di ne di tsamaya mo go masome a mane le boraro, a re palo eo e ntsi thata. Ramapodisi o buile jalo fa sepodisi sa bomme sa No 6 District Women Police Network se ne se simolodisa letsholo kgatlhanong le petelelo kwa Ghanzi bosheng. A re gantsi dipetelelo tseo di diragala ka mafelo a beke ka Matlhatso bosigo batho ba tswa kwa maitisong. Ramapodisi a re mo dipalong tseo go na le bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le botlhano. Senior Superintendent Marata o ne a ikuela mo morafeng wa kgaolwana ya Khurakhura mo Ghanzi gore fa ngwana wa bone a thubeditswe ba tshwanetse go begela mapodisi ka dinako tsotlhe. A re go utlwisa botlhoko go bona ngwana wa dingwaga tse di lesome le bobedi a thubeditswe mme labofelo o bona batsadi ba tla ba tsholola kgang a gatelela gore seo se kgoreletsa maiteko a mapodisi go nyeletsa borukutlhi. E rile mothusa molaodi wa Ghanzi, Rre William Keareng a latlhela la gagwe a kaya fa go supafala fa dipalo tse di kwa godimo tsa thubetso di le mo kgaolwaneng ya Khurakhura ka jalo go mo maruding a morafe go bona gore dipalo tseo ba di fokotsa jang. Mothusa molaodi a re thubetso e tlaa itsa puso go bua ka tekatekano ya bong a re batsadi ba tshwanetse go bua le bana ba bone gore ba tlogele go tsamaya bosigo ba le nosi ka gore bontsi jwa dipetelelo di diragala bosigo. Mothusa molaodi a re dithubetso di tla ka go farologanya ka gore go thubediwa banalebogole, le basadibagolo. A re thubetso e na le ditlamorago tse di sa siamang jaaka go ama ditlhaloganyo tsa ba ba beteletsweng. A re kgokgontsho e diragala mo go mongwe le mongwe, mme thata bana ga ba a tshwanela go kgokgontshiwa ka gore fa ngwana a dirisiwa mo tlhakanelong dikobo go lemogelwa thateng ka gore o tshaba go bua mme seo se tlaa bo se mo ama maikutlo thata. Rre Keareng a re bojalwa ke jone jo bo nang le seabe se sentsi mo go rotloetseng thubetso a re Batswana ba tshwanetse go bona gore seabe sa bone mo go lwantsheng mmaba oo se a diragala ka botlalo. Erile mogokaganya ditirelo tsa kgaolo ya Ghanzi tsa sepodisi sa bomme Assistant Superitedent Tabetso Kahiko a ntsha maikaelelo a letsatsi leo a tlhalosetsa ba ba neng ba tsene moletlo wa letsatsi leo e le la go tsibosa batho ka bodiphatsa jwa petelelo mme thata fa ba lebeletse botsogo jwa motho. Mme Kahiko a re bomme le bana ba tlogele go iphitisa dinnotagi ka gore ke tsone tse di ba gogelang kwa thobetsong. A re nako e tsile ya gore batsadi ba emele bana ba bone ka dinao. Assitant Superintendent Kahiko a re setshaba le mapodisi ba tshwanetse go tshwaragana thata gore ba kgone go fokotsa thubetso le jone borukutlhi ka kakaretso a supa gore setshaba ke mapodisi, mapodisi ke setshaba ka jalo ba tshwaneste go beraka mmogo. crime_law_and_justice 1 Wa o esi ga o ele - Lelatisitswe Mopalamente wa kgaolo ya Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe o kopile makhanselara, magosi, badirelapuso, dikomiti tsa motse le morafe go tshwaraganela ditlhabololo. E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Letlhakane bosheng a tlhalosa gore megopolo ya bone ke yone e ka tsisang ditlhabololo mo motseng, a tlatsa ka gore ene ka esi ga a kake a kgona kgaolo. Mopalamente o ne a ba lekodisa ka tse di builweng kwa palamenteng, a re go supafala gore kwelotlase ya itsholelo e a tokafala, ka jalo a rotloetsa banni go dirisa mananeo a puso go intsha mo lehumeng. O ba tlhaloseditse gore palamente e dumalane gore go seka ga tlhola go nna le ngwaga ope yo o siiwang ke dithuto ka lebaka la go ganelwa ka setlankana tebang le sekoloto sa sekole. A re go dumalanwe gore ngwana a neelwe setlankana sa gagwe, sekoloto se tla sala e le kgang ya batsadi le sekole. O tladitse ka go re kgang e ga e reye gore batsadi ba ikgatholose go duelela bana sekole. Rre Lelatisitswe o ne a tlhalosetsa ka tshwetso e e tserweng kwa palamenteng ya go ntshiwa ga lekgetho la VAT mo dijong le didirisiwa tsa temo e le tsela nngwe ya go fokoletsa Batswana manokonoko a go tura ga dijo. O boletse fa lenaneo la ditlhabololo la NDP10 le okeditswe ka ngwaga gore ditlhabololo tse di neng di saletse kwa morago ka mabaka a kwelotlase ya itsholelo di tsweledisiwe le gore le ye go wela le tebelopele ya lefatshe leno, morago go simololwe NDP11 le tebelopele e ntsha ka 2017. Banni ba ne ba ngongorega ka kgang ya go agelwa kokelo ba re ba ne ba solofeditswe. Mongwe wa banni ba Letlhakane, Mme Gomontlemang Maphane o supile fa tona wa pele wa botsogo, Mme Sheila Tluo a ne a boletse gore madi a teng a a ka ba agelang kokelo. A re morago ba hakgamala yo a neng a mo tlhatlhama, Tona John Seakgosing ene a tsile a e latola. Rre Meshack Thanke o supile fa matshwenyego a bone a matona e le gore kokelo e e leng teng ga e a lekana kgaolo ya Boteti Botlhaba, a tlatsa ka go re ditlamelo le tsone ga di a lekana. O ne a kopa Mopalamente go isa selelo sa bone kwa go ba ba lebaneng. Rre Sharp Letileng ene o supile gore motse wa bone o saletse kwa morago ka ditlhabololo. A re ba kopa dipone tsa mo mekgwatheng, go tsenyediwa sekontere mo ditseleng tse di fa gare ga motse, diofisi tsa sepodise, le tokafatso ya kgopho ya metsi a a leswe. Mopalamente o ne a ba kopa gore ba mo eme nokeng mo kgannyeng ya gore Letlhakane e nne motse setoropo. Ka kgang ya kokelo mopalamente o ne a ba tlhalosetsa gore ga e yo mo lenaneong la ditlhabololo NDP10. O ne a ba solofetsa gore matshwenyego a bone ga a felele mo go ene, o tlaa a isa kwa go ba ba lebaneng. O ne gape a rotloetsa banana go thusa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) ka megopolo e ka yone ba ka tlhabololang Letlhakane. Mothusa modulasetilo wa khansele potlana ya Boteti, Rre Molemi Galeragwe o ne a tlhalosa gore matshwenyego a bone bontsi ba leka go a tsenya mo lenaneong la ditlhabololo ba thusiwa ke VDC. society 9 Letlhoko la madi ke mmaba - Autlwetse Kwelotlase ya itsholelo ke yone e e diang ditlhabololo tse puso e ikemiseditseng go di dira. Mafoko a a builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Serowe Bokone e bile e le mothusa tona wa thuto, Rre Kgotla Autlwetse, fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Tshimoyapula bosheng. Banni ba Tshimoyapula ba sa le ba kopa tsela ya sekonotere fa gare ga motse oo le Mabeleapodi mo dingwageng tse di lesome le bobedi tse di fetileng. Rre Autlwetse a re puso e ne ya sekaseka seemo sa tsela eo, mme ba lemoga fa go le botlhokwa go dirwa gore e wele tsela ya A1 kwa Serule ba lebile gore e tsile go imolola mosuke wa dikoloi mo tseleng ya A1. Mopalamente a re go tlaa simololwa go dirwa moalo mme sebe sa phiri go santse go batliwa madi ka tota tsela eo e tlhoka didikadike go dirwa, a solofetsa morafe gore le fa go tsere nako go arabiwa, gompieno ba letele ka tsholofelo mme ba nne pelotelele ka mmatla phohu ya gagwe a sa swe lentswe. A re dipaka ga di tshwane ka lefatshe leno le ne la welwa ke kwelotlase ya itsholelo mme ditiro bontsi tsa emisiwa mme ke gone e simololang go itshetlela mme a kopa gore ba nne ka tumelo ya gore tsela e tsile go dirwa ka tsholofelo e sa tlhabise ditlhong Banni bangwe ba ne ba kopa gore a tsela e re e letilwe, go tshelwe lekgarapana mo go e e ntseng e dirisiwa. Rre Tana Koloi o ne a kopa gore go kganelelwe metsi kwa a tswang teng kwa melapong ka fa dipula di tla jaana banni ba motse oo ba nna ka letshogo ka go feta metsi a mantsi mo motseng oo. Mopalamente o ne a tlhalosa fa lekgarapana le lone le tlhoka madi mme ba tlaa tswelela ka go e gopa. Mothusa tona Autlwetse o ne a ba lekodisa ka letshwenyego la puso ka tsa thuto mme e dira bojotlhe go rarabolola seemo jaaka dialogane tse di senang mebereko, bana ba ba sa dirang sentle mo dithutong gore ba inaakanye le thuto ka tlhaeletsanyo ba ba sa fenyang ba boelele dithuto kwa dikoleng tse di potlana le tse dikgolwane. A re puso e tsere dikole tsa tiroyadiatla go di tlhabolola go ntsha dialogane tsa dithuto tsa diatla tsa boleng jo bo kwa godimo go simolodisa thuto ya bogologolo ya dikolo tsa sub A le sub B tse e bileng dikole tsa borutelo barutabana di simolotse go ruta barutabana ba tsone. Mothusa tona a re tseo tsotlhe di tlhoka madimadi go dirwa. A re le dikokelwana di tsile go godisiwa go nna le bobelegisi se se tlhokang ngaka le mooki yo o belegisang mme ditiro tse tsotlhe di tlhoka dirisiwa tse di tlhokang madi. politics 7 Manweenwee a tsietsa monni wa Kanye Mapodisi a Kanye a tlhotlhomisa kgang e mo go yone rre mongwe a tseetsweng madi ka bokukuntshwane. Mookamela mapodisi a Kanye, Superintendent Mmoloki Mogale, a re tiragalo eo e diragetse ka Labobedi ka nako ya lesome le motso mo mosong kwa marekisetsong a Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB). A re e ne ya re rre yo wa dingwaga tse masome matlhano le borataro wa kgotla ya Logaba a tswa mo mareketsong a bona monna mongwe mme a mo raya a re o digile madi fa tlase ga koloi. Rre Mogale a re fa mongongoregi a inama go bona madi a go tweng o a latlhile a fitlhela madi aa ka tshwarang P200 mme a tlhalosa fa e se a gagwe. Rre Mogale a re rre yoo wa mosamarea o ne a itseela madi ao mme a bo a kopa rre wa mongongoregi go mo pega ka a ne a tswela ntlha ya dishopo. A re e ne yare mo sekgaleng sese khutshwane ba sena go tswa fa koporaseng borre bangwe babedi ba ba emisa ba itirile mapodisi a sephiri, ba supa fa utlwaletse gore borre bao ba tshotse madi mangwe mme ba kopa go a tlhola mogo bone. O ne tswelela a tlhalosa fa e ne ya re borre bao ba ntse ba tsweletse ba ba phuruphutsha mo dikgetsing tsa rre yo a neng a tsiediwa ba tsaa ka boherehere dikarata tsa banka, ya mongongoregi le mosadi wa gagwe. Ka jalo ka ntlha ya letshogo ba ne ba tsaya dikarata tseo a sa lemoge mme rre yo fa a goroga kwa lwapeng a botswa ke mosadi wa gagwe gore o ne a ntshetsang madi a mantsi mo bankeng. A re mongongoregi o ne a hakgamala ka a ne a ise a ntshe madi mme mosadi a kaya fa a amogetse molaetsa wa banka gore go ntshitswe dikete tse di lesome le boferabobedi, mme monna ya re segaufi fela le ene a amogela molaela wa banka wa gore P2 000 o ntshitswe mo letloleng la gagwe, mme madi otlhe a a utsulweng ya nna P20 000. Rre yo o tsieditsweng yo, a re ka ntata ya letshogo ga a gakologelwe a neela borre bao nomore ya sephiri ya banka. Superintendent Mogale a re ba mo patlong ya dilalome tseo, mme a supa letshwenyego ka ditiragalo tsa mohuta o, ka e le ya bone e diragala mo kgaolong ya gagwe, mme a gwetlha setshaba go ikelatlhoko mo dilalomeng tse, ka bontsi jwa nako ba simolola tsietso ka go kopa mosepele. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Ntwa kgolo ke ya molomo kwa Mochudi Botlhaba Ba ba ikaelelang go emela ditlhopho tsa bopalamente kwa Mochudi Botlhaba ba kopile Batswana go ba fa sebaka sa go tlhabolola metse ya bone ka tlhopho. Borre Diane Moagi wa Alliance for Progressives (AP), Mabuse Pule wa Botswana Democratic Party (BDP) le Bright Molebatsi wa Umbrella for Democratic Change (UDC), ba kopile jalo mo thulaganyong ya ngangisano ya go ipapaletsa ditlhopho tse di tlang. Rre Molebatsi, yo e leng mopalamente wa kgaolo, o supile fa go le botlhoka gore Kgatleng e agelwe kokelo e tona. A re Kgatleng o tlhoka kokelo e tona ka gore ya Debora Retief Memorial (DRM) ga e sa lekana, e fetilwe ke palo ya batho. Fa a bua ka tse a di kgonne fa a sale a nna mopalamente, Rre Molebatsi a re o ne a emela kgang ya letlhoko la metsi mo metseng e e bapileng thata le noka go bona gore seemo se a tokafala. “Re ne ra tswelela gape ke na le makhanselara a diparty tsotlhe, go bona gore dikgaolo tsa rona di fiwa motlakase,” ga rialo Rre Molebatsi. A re ntswa motlakase o ise o aname le dikgaolo tsotlhe, tema yone ba e segile ka o phatlaletse go feta a ise a nne mopalamente. O ne a supa gore lenaneo la go fa bana ba dikole tse dipotlana sefitlholo ke mogopolo wa gagwe, mme go a lebosega go bona puso e reeditse. Rre Molebatsi a re le maano a masha a a dirwang ke puso ya BDP, a tshwana le go tlhofofatsa tiriso ya lefatshe ke mangwe a dikakanyo tsa bone e le ba kganetso. O ne gape a bua gore e le ba UDC, maitlamo a bone a ipapatso a tshwere gotlhe ka a supa ka fa ba tsileng go tlhabolola Batswana ka teng. Rre Pule wa phathi e e busang ene a re maitlamo a bone a ipapatso a dirilwe go sena go rerisanngwa le Batswana, ka jalo a tshwere maikutlo le ditharabololo tse Batswana ba di tlhokang. “E bile gape maitlamo le maikaelelo a Vision 2036 le NDP 11 di mo maitlamong ao,” ga rialo Rre Pule. O ne a supa gore Batswana ba tshwanetse go lebelela se Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a se dirileng fa a sale a nna mo setilong. “Diphetogo le ditlhabololo tse a tsileng ka tsone ke sekao sa gore BDP e santse e ka direla Batswana go le gontsi,” ga bua Rre Pule. Rre Pule a re o itlama go dira le Tautona Masisi go lwantsha tshenyetso sechaba ka go supegile gore itsholelo ya lefatshe e ka phutlhama fa go sa dirwe sepe. A re ene o batla go tsaya fa Rre Molebatsi a paletsweng teng. O ne a supa gore ene ga se motho yo o senang boammaaruri, e bile ga a batle go bua ditsiabadimo, a raya Bakgatla a re o tsile go dira meleko kwa palamenteng. Rre Pule o supile fa a tsile go itebaganya le ditsela, dikago le go fefosa kabo ya lefatshe. A re, “E bile Tautona Masisi o setse a dirile gore ditsetlana tsa tiriso ya lefatshe di tokafadiwe gore di seka tsa kgoreletsa batho.” O ne gape a itlama go dira le banana gore ba dirise mananeo a puso, go ba ruta gore kgwebo e dirwa jang le go ba rotloetsa gore ba seka ba tlogela mo tseleng. Fa a tswa la gagwe, ntlhopheng wa Alliance for Progressives (AP), Rre Diane Moagi o supile fa ba ikaegile ka matshego a le mararo, mme ba eletsa go fiwa puso. A re letshego la ntlha, ke go direla sengwe le sengwe mo pontsheng, e bile ba tlaa dira gore makalana a twantsho borukutlhi le a mangwe a a sekasekang tsamaiso a ikemele ka nosi. A re letshego la bobedi ke botsogo, ka e bile balwetse fela botlhe ba Kgatleng ba fetisediwa kwa Gaborone, ka DRM e sa tlhole e dira sentle. “Letshego la boraro ke thuto le pabalesego ya bana ba rona,” a rialo Rre Moagi. A re go a swabisa go bona bana ba bannye ba ya dikoleng maphakela mo lefifing, go sena dipone le fa e le ponalo ya mapodisi. A re e le ba AP, ba itlama go tsenya dipone mo mebileng le go dira diofisinyana tsa mapodisi fale le fale gore mapodisi a kgone go bonala. Rre Moagi a re sengwe le sengwe se ikaegile ka lefatshe, mme Batswana ka bontsi ba sena lefatshe, ka jalo matshelo a bone eme. O supile fa ba eletsa go tlhaba Mochudi East Development Trust ka maikaelelo a go rutuntsha banana. politics 7 Monna o bolailwe ka pelaelo ya gore o na le mogare wa corona Monna wa dingwaga tse 26 o thusa mapodisi a Mahalapye mo ditlhotlhomisong ka go belaesega a beditse a ba a baka leso la rre wa Zimbabwe ka pelaelo ya gore o na le mogare wa corona. Mo potsolosong le Sup Malemenyane a re mmelaelwa go belaelwa a ne a keteka moswi ka gore o ne gotlhola thata, ka jalo a re o tlaa mo tsenya mogare wa corona. Supt Malemenyane a re ba amogetse boikuelo Mopitlo a le masome mabedi le botlhano go tswa mo moaging mongwe wa kgotlana ya Dilaene kwa Mahalapye, a supa fa bahirisi ba gagwe ba tlhokile kutlwisisano kgankgolo e le gore yo mongwe o ka tswa a na le mogare wa corona. Supt Malemenyane a re moswi o ketekwa morago ga gore mmelaelwa a itsese mong wa lelwapa gore rre wa Zimbabwe yo o hirisitseng kamore e e tshwaraganyeng le ya gagwe o gotlhola thata, ka jalo o belaela gore o tlaa ba tsenya corona. Rre Malemenyane a re le fa mong wa lelwapa a ne a tsiboga ka go ba rolela kgang eo, mmelaelwa yo e leng Motswana o ne a tsenelela moswi mo kamoreng ya gagwe a mo keteka ka ditena le go baka dikgobalo, segolo bogolo mo mokwatleng. Mogolwane a re moswi o ne a lela ka ditlhabi mo mokwatleng, mme a ragosediwa kwa kokelong ya Mahalapye, mme ba bongaka ba mo golola morago ga go bona thuso. Rre Malemenyane a re go lebega e ne ya re morago ga go thusiwa ke ba bongaka, ditlhabi tsa seka tsa kokobela, a gatelelwa ke bolwetse, ka jalo a felela a robadiwa kgwedi ya Mopitlo e le masome mabedi le borobabongwe mme a tlhokafala Mopitlo a le 30, ka jalo mmelaelwa a tshwarwa le go lebisiwa molato wa polao. O tladitse ka go re ditlhotlhomiso di tsweletse le gore ba emetse maduo a bongaka a tlhatlhobo ya setopo go tlhomamisa se se bakileng loso. A re mmelalewa ke modiri mo lephateng la Water Affairs, fa moswi e ne e le morutabana kwa sekoleng se sebotlana se se ikemetseng kwa Mahalapye. crime_law_and_justice 1 Letsema le tsweletse sentle kwa Serowe Radijwalo wa kgaolo potlana ya Serowe, Rre Gositang Kangangwane, a re letsema mo kgaolong ya gagwe le tsweletse sentle mo go itumedisang. O boletse mo potsolotsong bosheng gore balemi mo kgaolong ya gagwe ba ikiteile ka thupa go tshwara bokgola jwa dipula tsa ntlha tse di neng tsa tshologa bosheng. A re fa balemi ba kgaolo ya gagwe ba ka iketleetsa go lema ka thata mo dipuleng tse, go tla ba sologela molemo fela thata ka jaana e tla re nako ya dipula di nna boutsana dijwalo tsa bone di bo di setse di itshwareletse. O rotloeditse balemi go inaakanya le go lema dijwalo tse di bogadi bo gaufi di tshwana le mabele le dinawa ka jaana di sa tshabelelwe ke letsatsi jaaka mmidi. O tlhalositse fa balemi ba ba ikwadiseditseng go lema ka lenaneo la ISPAAD mo kgaolong ya gagwe ba le 2900 mme ba ikemiseditse go thusa balemi ba le 5000 ka lenaneo leo. Rre Kangangwane o gateletse gore balemi ba dirise temo ya segompieno ka jaana e le yone e duelelwang mono ngwaga, a tlatsa gape ka go tlhalosa fa e na le maduo fa e tshwantshanngwa le ya bogologolo ya go lema motho a gasa. O tsweletse a tlhalosa fa puso e duelela go lema ka ditselana le go sega P1 160 tema e le nngwe, a tlatsa ka gore ba duelela balemi ba ba botlana ditema di le tlhano fela. O supile fa ba kopane le dikgwetlho tsa letlhoko la dipagamo go isa dipeo kwa baleming mme ba tswa ka leano la gore balemi ba neelwe dikarata tse mo go tsone ba letlelesegang go ya go ithekela dipeo kwa marekisetsong a tsone. A re se se thusitse fela thata ka balemi ba kgonne go bona dipeo ka nako go na le gore ba letele gore di tsisiwe kwa go bone jaaka e le tlwaelo. O supile fa mono ngwaga ba kgonne go rutuntsha boraditerekere ba le 268 mo go tsa tlhabololo mmu le tiriso ya menontshane mo temong go na le ba ngogola ba le 215. Fa a itebaganya le balemi ka tsa tiriso ya dichefi go lwantsha mohero, Rre Kangangwane o ba gakolotse go dirisana le ba bolemisi nako le nako gore ba tsaye bogakolodi ka tiriso ya tsone ka jaana di le borai mo matshelong a batho fa di ka seke tsa dirisiwa ka fa tshwanelong. Le fa go ntse jalo, Rre Kangangwane o akgoletse balemi ba kgaolo ya gagwe go tshologela go tsaya menontshane ka dipalo tse di kwa godimo. A re se se supa fa thuto ya temo ya segompieno e ba tsweletseng ka go e gasa mo setshabeng e rothegela mo go bone.BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ipelegeng e gatetse pele Komiti ya ditlhabololo tsa Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng e gatetse pele mo go tswelediseng ditlhabololo dingwe mo motseng ka lenaneo la Ipelegeng. Seo se supilwe ke modulasetilo wa komiti eo mo potsolotsong, Mme Annah Diatla a kaya fa lenaneo leo le ba sologetse molemo fela thata ka ba kgonne go itirela ditlhabololo tsa sennelaruri di akaretsa kago ya leobo la kgotla, go agelela mabitla, mme e bile ba santse ba ikopetse ditiro dingwe tsa go shafatsa matlwana a baithuti kwa sekoleng se sebotlana. O akgotse puso go menagane go simolodisa lenaneo le, a supa fa le direla komiti ya ditlhabololo tiro motlhofo go diragatsa dikeletso le ditoro tsa motse. A re babereki ba lenaneo le ba dira ka natla go phepafatsa motse ebile o a kgatlhisa fela thata. O supile gape fa banni ba motse oo ba ithusa thata ka Ipelegeng ka go sena ditiro mo metseng e mebotlana mme a gwetlha botlhe go dirisa madi a ba a bonang mo Ipelegeng ka boikarabelo go na le go a jela fela mo ganong. Go ntse go le foo, Mme Diatla o kopile banana gore ba lese go inaakanya le Ipelegeng ka ba santse ba na le go ka dirisa mananeo a mangwe a puso, go balelwa le la go boela sekoleng ka gore dingwaga tsa bone di santse di le kwa tlase. Mme Diatla a re go na le mananeo a le mmalwa a a ka thusang banana go ipulela dikgwebo tse dipotlana jalo a ba lemotsha ka botlhokwa jwa go etela ofisi ya banana go ya go tlhalosediwa ka mananeo a puso e a ntshitseng go ba thusa. O kaile fa bangwe ba ba neng ba tsibogela go ikopela dithuso tseo ba gatetse pele ka ba ipuletse dikgwebo tsa go roka le thuo. A re ntswa puso e dirile maiteko go ba atametsa ditlamelo le mananeo ka go ba rolela diofisi tsa ditirelo go akarediwa ya banana ngwaga o o fetileng, go lebega bangwe ba santse ba le maoto a tshupa go e dirisa mme ba ikamantse thata le la nakwana la Ipelegeng. A re pele ga go bulwa ga diofisi tseo ba ne ba tsamaya sekgala se se leele go ya go ikopela ditirelo, selo se a reng se ne se ba beile fela thata ka fa mosing. O ba kaetse fa nako e gorogile ya gore ba ikemele ka dinao go ikopela dithuso go araba kgwetlho ya letlhoko la ditiro le le ba apereng. BOKHUTLO society 9 Banni ba boletse ditoro tsa bone Banni Jackalas No 1 mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba ntshitse maikutlo a bone ka tebelopele e e baakanyediwang ya 2036. E rile ba akgela mo phuthegong ya kgotla kgwedi eno e le lesome le borataro, e e neng e biditswe ke setlhopha sa bobedi sa lekoko le le romilweng ke Tautona go phutha megopolo e e baakanyetsang tebelopele ya 2036, banni ba ne ba ntsha megopolo e e faloganeng. E re le ntswa ba ne ba ntsha megopolo jalo, ba ne ba supa fa ba le sebete se molangwana ka jaana go tsewa megopolo mo go bone mme go ise go ntshiwe pego ya tshekatsheko ya tebelopele ya 2016 go bona tse di fitlheletsweng le tse di retetseng. Le fa go ntse jalo, mo gareng ga ditoro tsa bone, bontsi jwa banni ba ne ba supa fa ba eletsa go bona lefatshe leno le batho ba lone ba ikemetse mabapi le go ntsha dijo tse di lekaneng go na le go ikanya dijo tse ba tlhalositseng bontsi jwa tsone di tswa kwa mafatsheng a sele. Ba re seo se ka kgonega fela fa batho bogolo jang banana ba ka lemontshiwa botlhokwa le boleng jwa go jesa lefatshe, segolo jang go itebagantswe le go ba fa ithutuntsho e e tseneletseng e e ka ba gwetlhang go inaakanya le temo-thuo. Banni ba Jackalas No 1 ba tsweletse ba tlhalosa fa go le botlhokwa gore go dirwe molao o o laolang lenaneo la Ipelegeng, go akarediwa le dingwaga tsa bao ba ba tlaa letlelelwang go bereka mo lenaneong leo, ba tlatsa ka gore molao oo, o tshwanetse wa itsa banana go inaakanya le lenaneo leo. Ba re fa molao oo o ka diragadiwa, o ka tsosolosa mowa wa boipelego, o o ka isang lefatshe leno golo gongwe ka jaana banana ba tlaa nna le sebaka sa go itirela ka diatla mo ba ka kgonang go jesa lefatshe leno le mafatshe a mangwe tota. Sengwe se banni ba Jackalas No 1 ba eletsang go ka itebaganngwa le sone go ya 2036, ke go tiisa itshireletso mo molelwaneng wa lefatshe leno le mafatshe a mangwe, ba tlatsa ka gore go tshwanetse gape ga tlhongwa didirisiwa tse di tlhatlhobang dikoloi (scan) kwa dikgorong tsa melelwane go itsa dilo dingwe tse di sa siamang go felela di tsene mono. Mongwe wa banni, Mme Leni Modo o boletse fa a eletsa go bona mo tebelopeleng ya 2036 bana ba ba tsenang kwa dikoleng tse di senang matlo a boroko a baithuti mme ba tswa kwa mafelong a a kgakajana, ba thusiwa ka dipalamo tse di ba isang kwa dikoleng E ne e rile go le pele, mongwe wa maloko a lekoko leo, Rre Mpho Balopi a gwetlha Batswana go ntsha megopolo ya bone ka dikakanyo tsa gore ba baakanyetsa bokamoso jwa lefatshe leno gammogo le jwa dikokomane tsa bone. politics 7 Motsamai o kopa banni le badiri go gata mmogo Banni ba East le West-Hahahai ba kgothaditswe go tshwaragana gore metse ya bone e gatele pele. Mopalamente wa Ghanzi Borwa, Rre Motsamai Motsamai, a re tirisano mmogo le neelano fa gare ga gagwe, morafe le bodirelapuso di ka thusa go aga le go tlhabolola metse. O solofeditse banni gore o tlaa ba emela kwa palamenteng sentle le ka natla. A re o emetse dikeletso tsa botlhe, a tlatsa ka gore, ‘e ga se nako ya dipharologano, ke nako ya go direla morafe. Le seka la ikaba ka diphathi tsa lona, a re golaganeng re bereke mmogo.” Mopalamente Motsamai o gakolotse badirela puso gore ga ba a tshwanela go lapa pelo fa ba thusa morafe, segolo bogolo ka go na le kgwetlho ya puo ka batho ba metse eo ka bontsi ba sa itse Setswana sentle. O kopile banana ba West-Hanahai go emisa go keteka banana ba bo mme a re seemo se se a motshwenya. A re fa dikgang tsa go ketekana e ka nna selo sa maloba, mapodisi a ka bereka ditiro tsa tshoganetso e seng tsa ka bomo jaaka tsa go ketekana. Rre Motsamai o gakolotse banana ba bomme go tsaya mananeo a puso, a re nako e tsile gore bomme le bone ba kgone go jesa ba malwapa a bone. Fa a tsibogela matshwenyego a gore sediba sa morafe se se nosang leruo se sa le se senyegile ngogola mme ba kgonne go phutha tsotlhe tse di tlhokegang, ba emesitswe fela ke gore khansele ya re ga e kake ya ba thusa ka koloi go se goga, Rre Motsamai o supile gore ga go maleba gore fa puso e ntsha mananeo a bo a phutlhamisiwa ke go tlhoka metsi. Matshwenyego a o a ne a supilwe ke Kgosi Magwasi Johannes wa East Hanahai. Kgosi Johannes a re leruo le batho ba le neetsweng ka mananeo a puso le setse le phatlalala ka ntata ya go senyega ga sediba. Monni wa East Hanahai, Rre Keithakile Seleka, le ene o ne a supa fa go senyega ga sediba go tlaa ba tlhoboganya le ba khamphane ya metsi ka morui ga a kake a lebelela leruo la gagwe le bolawa ke lenyora a na le pompo mo lapeng. Mothusa kgosi wa West-Hahahai, Rre Duxwa Xaogae a re borukhuthi bo a gola kwa motseng oo mme a kopa bagolo go tsenya bana mo tseleng ka go ba kgalemela. Mokhanselara wa metse eo, Rre Kelebogile Taeyele o ne a lebogela leeto la mopalamente, a supa fa ba tlaa bereka mmogo sentle. O tlhaloseditse morafe gore thomo e ba mo e rumileng, o e tsaya ka tlwaafalo ebile o setse a simolotse go batla ditharabololo tsa mathata a a ba amang. crime_law_and_justice 1 Bagodi ba itumelela diromamowa Bagodi bangwe kwa Tonota ba tlhalositse fa ba itumeletse lenaneo la puso la go abela bagodi ba ba dikobo dikhutshwane diromamowa. Se se tla jaana morago ga gore ba utlwe puisanyo magareng ga tona wa dikgaolo le tlhabololo ya magae Rre Peter Siele le ba seromamowa sa Botswana mo mosong wa Labobedi, Motsheganong a tlhola lesome le boraro. Mme Oteng Tlhagiso, wa dingwaga tse di masome a marataro le boferabobedi, a re ntswa ene a setse a na le seromamowa, o akgola puso ka kutlwelobotlhoko e e supang mo setshabeng ka kakaretso. A re o bona e le mogopolo o montle o o tla a thusang bagodi go utlwa dikgang tse di diragalang mo tikologong ya bone. Rre Goitsemang Kelapile, wa dingwaga tse di masome a supa wa kgotlana ya Maaloso kwa Tonota, a re ene o itumetse fela thata e bile o amogela mogopolo oo ka o ntse a sena seromamowa. A re se se tlaa mo thusa go utlwa dikgang sentle ka tlhamalalo ka e bile ditlhopho di le gaufi. Mo potsolotsong le seromamowa sa Botswana, Tona Siele o tlhalositse fa puso e bone go tlhokafala gore bagodi ba ba kwa dikgaolong ba fiwe diromamowa tse ba tla a kgonang go itlosa bodutu ka tsone ka ba nna nako e ntsi ba le nosi kwa magaeng. O boletse gore diromamowa tse di tlaa ba kgontsha go utlwa dikgang le tse di diragalang mo tikologong ya bone. O tlhalositse gore gompieno go setse go rekilwe diromamowa di ka feta dikete di robabongwe. A re le ntswa lenaneo leo e le la bagodi, ga se botlhe ba ba tlaa amogelang diromamowa tseo ka di lebagantswe ba ba dikobo dikhutswane. ENDS politics 7 Mosantedi molwantsha borukutlhi wa popota E re le ntswa Batswana ba lela ka dituelo tse di kwa tlase, go santse go na le bangwe ba ba ikhitshitseng ditlhabelo go direla setshaba sa gaabo kwa ntle ga dituelo dipe. Rre Kgopa Mosantedi, rre wa dingwaga tse di masome a mane le bobedi wa kgotla ya Herero kwa Omaweneno mo kgaolong ya Kagalagad ke motswa setlhabelo mo go lwantsheng borukutlhi mo motse wa gaabo le ntswa go sena dikatso dipe. Fa a tlhalosa mo potsolotsong bosheng, Rre Mosantedi kana CID kana Surgent jaaka bangwe ba mmitsa o sale a simolotse go dira mo komiting ya twantsho borukutlhi dingwaga dika feta masome a mabedi le botlhano tse di fetileng, ba okametswe ke ba sepodise sa Botswana mo go seo sebaka seneng se direlwa kebo Rre Mackenzie le bo Rre Koko. Rre Mosantedi o tlhalosa fa seemo sa borukutlhi le ditiro dingwe tse di neng difitlha mo motseng wa gagwe e le sone se se bakileng gore a ikentshe setlhabelo go bona fa motse wa Omaweneno o fetoga. Re arametse mosi wa dikgong tse di metsi mo tirong e ya twantsho borukutlhi, re a kgobiwa ka dipuo, re bitswa maina le ao a a ka se buiweng ke motho ele modumedi jaaka nna le matlhapa a a tsitsibanyang mmele mme fela lorato, bopelotelele le maikaelelo a go bona Omaweneno ele motse o o sireletsegileng ele tsone tse di dirang gore ke rwale ditlhako moso le moso go dira tiro e ke e ithaopetseng e, a tshwaela. One a tlatsa ka gore lebaka la gore abo a kgonne go dira tiro e ka lobaka lo lo kana ke gore one a rutuntshitswe ke bagolo ba ba neng ba dira tiro e ka botswapelo le lorato le letona. Are bontsi jwa batho ba a simolotseng go dira le bone ka dingwaga tsa bo 1986 ba setse ba fudugile mo lefatsheng le le ka kwanao fa bangwe ba tlogetse ka ntlha ya bogodi mme fela a santse a boela ko go ba ba santseng ba le teng fa a tlhoka tsa bogakolodi. Fa a tlhalosa “CID” are tirisano mmogo e ntle le batho ke yone e e tlhofofatsang tiro ya gagwe, a tlatsa ka gore ere le ntswa nawa ya phure e senke e tlhokega fa gare ga tse dingwe go santse gona le bao ba ba santse ba pala go dirisana le bone sentle mme fela ba sa ba felele dipelo. Fa a tlhalosa Kgopa are ka dinako tse a simolola go dira mo komiting ya twantsho borukutlhi gone go sena dikatso dipe, mme babereki bangwe ba ba neng ba le pelo tlhomogi bane ba kgona go ba latlhelela sengwe gore le bone ba kgone go reka molora. Are ene yare fa dingwaga di ntse di katologana ba tsena mo komiting ya mosako e eleng yone e okametse baitlhaopi mo sepodiseng mme ya nna gone ba kgonang go bona dikatsonyana le ntswa e se tsa sepe. Rre Mosantedi one a kgala asa kgwe mathe batho segolo bogolo banana ba gompieno are ba eteleditse lorato la madi ko pele, ka jalo mowa wa boithaopo le lorato la go bona kgatelopele disa tlhole dile teng. One a tlatsa ka gore tlhabololo ya motse e mo magetleng a banni ba one, ka jalo are o rotloetsa banana go ema ka dinao ka ele bone fela ba ba ka isang seemo sa borukutlhi le go bo fedisa tota ko tlase. Kgopa one a tlatsa ka go supa fa ele motho yo o ratang go thusa mo ditiro le ditlhabololo tsa motse wa Omaweneno, a supa fa a thusa thata mo dintshong, manyaolo le mo tsamaiso ya ditsheko mo dikgotlaneng tsa motse wa gagwe ka kakaretso go sa kgatalesege gore a ke a nna mo go yone kana jang. One a tswelela a tlhalosa fa bogogi jwa motse bo rata tiro ya gagwe fela thata ka e kgona gore nako dingwe ba mo latlhelele lemmenyana go supa fa le bone ba lebogela seabe sa gagwe mo setshabe sa motse wa Omaweneno, ka jalo a re se se itumedisa fela thata are se se supa gore tiro e ntle e a e dira e a bonala. Fa a digela Rre Mosantedi are o eletsa gore dikomiti tsotlhe fela tsa boithaopi dika atswiwa ka sengwe ka seo se ka dira gore ba tseye tiro ya bone ka tlhwaafalo, a supa fa tiro e ya twantsho borukutlhi e baya matshelo a bone mo kotsi le gone go tlhoiwa ke ba ba ba senang boikarabelo. One a kgala badirela puso segolo thata ba sepodise ba o fitlhelang ba sokamisa molao le go tlhoka lorato mo tiro ya bone are seo ke sone se se dirang tiro ya twantsho borukutlhi go nna thata.Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Banni ba batla tshoboko ya tebelopele ya 2016 Banni ba Rakops mo kgaolong ya Boteti ba re ba ka bo ba roletswe tshekatsheko ya tebelopele ee welang ya 2016 pele go agiwa e ntsha ya 2036. Ba buile jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke lekoko le le romilwemg ke Tautona go loga tebelopele e ntsha ya 2036. Le fa go ntse jalo, mongwe wa banni, Rre Letimile Tafila, a re ene o eletsa gore ka 2036 diphologolo di bo di kgaoganye le batho, tlhako le molomo e fedisitswe. Rre Gaboitatolwe Jenjele a re ba batla go aga Botswana yo o tlhabologile e bile Batswana ba fiwa ditlamelo ka go lekalekana. Rre Lemogang Motaung a re ene o batla gore Batswana ba bo ba itirela, ba ijesa, a re itsholelo e ka tokafala fa e tsentswe mo diatleng tsa Batswana ba bo ba busetsa kwa pusong, Batswana botlhe ba akareditswe mo molao motheong. Mme Bashingi Boingotlo a re ka 2036 Batswana ba bo ba itlhophela Tautona, lenyalo le dirwa ke dikgosi,ditlhabololo di akaretsa Batswana botlhe, go agilwe madirelo a diteemane fa di tswang teng. Mme Nkgowa Utlwang a re ba batla go bona mapalamente a bone mo telebisheneng,dikhansele di i kemetse,setho sa Batswana e le se se siameng gape ba tsewa ka tekatekanyo. Rre Batontoki Ramakhubu a re o eletsa gore ditsela, ditlamelo tsa botsogo di bo di siame, thuto e e akaretsang batho botlhe le temo-thuo e le e e jesang lefatshe la Botswana le a mangwe. Rre Amogelang Lulani a re diteme tsotlhe di bo di rutiwa mo dikoleng, gape go sekasekwe kgololesego ya ditumelo. E rile fa a soboka megopolo ya bone mongwe wa lekoko leo, Dr Lemogang Kwape a re banni ba batla go akola meamuso ka tekatekanyo, metsi a a siameng, ditsela, dikole, diphologolo di sa kgoreletse temo-thuo,boeteledipele bo fetoga le dinako,ditlamelo di isiwe kwa masimong le meraka, baemedi ba sepolotiki ba fiwe dipaka tse pedi fela e leng dingwaga tse some, ba itheeletse baemedi fa ba le kwa palamenteng,Tautona a itlhophelwa,go bo go sireletswe ngwao ka pina le puo. E rile a mogela lekoko le, mothusa kgosi wa motse oo, Kgosi Kopano Mabona a supa gore ba tlhaloganya gore dilo dingwe ga di a wela ka tebelepele ya 2016 ka lebaka la kwelotlase ya itsholelo,a re o solofela gore ba ya go boeletsa dingwe, a tswelela ka gore lefatshe leno le ne le nna le dingwaga tse di masome a matlhano le ipusa a re o solofela gore Batswana ba rutegile ba tlhaloganya gore go iwa kae. society 9 Mapodisi a tshegeditse monna mabapi le molato wa titeo Mapodise a Tshane a tshegeditse monna wa dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi go ya kwa go a mararo le botlhano, yo o tlholegang kwa Zutshwa, mabapi le dipelaelo tsa go keteka a bo a gobatsa mokapelo wa gagwe. Mo potsolotsong le Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa motswasetlhabelo a robaditswe kwa sepateleng se sebotlana sa Hukuntsi mme a supa fa a sidilega. Supt Jorowe a re mmelaelwa o tlaa isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata kwa Hukuntsi go arabela molato oo. O ne a supa fa go kukela ga melato ya dititeo tse di bakang dikgobalo di ile magoletsa. A re mo kgweding eno, ba setse ba gatisitse dikgang di le pedi kwa Ngwatle e nngwe kwa Zutshwa, fa bontsi jwa dikgang bo sa begelwe mapodisi. O ne a gwetlha banni go ikgapha mo mokgweng wa go rarabolola dipharologanyo ka go lwa mme a ba rotloetsa go ithuta go buisana kana go ka kopa bogakolodi mo batsading kana baeteledipele ba motse. Mo go tse dingwe, Supt Jorowe o kopile setshaba go ba batlisa manweenwee mangwe a go bolelwang a thukuthile lebentlele lengwe bosigo jwa Mosupologo kwa Lehututu. A re manweenwee ao, a tsenye ka lenga la seloko ka dithoto le madi a go iseng go tlhomamisiwe gore ke bokae. Le fa go ntse jalo, o ne a rotloetsa bagwebi go tlhomamisa gore ba thapa badisa dikago le go isa dipoelo tsa thekiso kwa mabolokelong a madi go na le go a tlogela mo mabentleleng ka jaana a a bo a sa sireletsega. crime_law_and_justice 1 Ba kopilwa go nna ka tsholofelo Banni ba metse ya Mmaphashalala le Dovedale kwa kgaolong ya Mahalapye Botlhaba ba kopilwe go nna ka tsholofelo gore metse ya bone e tlaa bona tsela ya sekontere. E rile a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo bosheng, mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo mage gape ele mopalamente wa kgaolo eo, Mme Botlogile Tshireletso a tlhalosa fa go le lebaka banni ba ntse ba kopile go tsenyetswa tsela ya sekontiri e e raralang metse ya bone ya Dibete/Machaneng. Mothusa Tona o tlhalositse fa pele seemo sa itshololelo se ne se sa letle gore tsela eo e ka dirwa mme ka jaana semmo se a tokafala ba seka ba fela dipelo ban ne ka tsholofelo gore tsela eo e ka dirwa fa madi a bonetse. Banni ba ne ba ikuetse gole pele gore tsela eo e e raralalang metse ya bone e tsenngwe sekontiri, mme Mme Tshireletso a dumelana le bone a supa gore le dikotsi di ka fokotsega mo tseng e tona ya A1. Mme Tshireletso o ne a tlhalosa gore ditlhabololo ka bontsi mo lefatsheng lotlhe di ne tsa emisiwa, ka go bo itsholelo ene e wetse ko tlase lefatshe ka bophara, a tlatsa ka gore dipego di supa fa seemo se se tokafala. A re tsela eo e e tshwaraganyang metse ya Tswapong le Bobirwa e ka thusa fela thata e bile gongwe le ditiro di ka tlhamega fa e sena go dirwa. Mo go tse dingwe Mme Tshireletso o ne a lekodisa banni ba metse eo gore mo palapenteng e e satswang go fela ne go buiwa ka ga eng. A re ele khuduthamaga ya palamente bane ba dumelana fela ka bongwe gore tshimologo ya dikereke e tsere phekelo e sele mo lefatsheng leno. O tlhalositse fa dikereke di tletse gongwe le gongwe mme e bile di sa tlhole di tlwaelesegile ka se kereke e sa tlhole e tlwaelesegileng ka teng, ka gobo jaanong batho ba dira ditiro fela tse di sa amogeleseng mo setshabeng. Ka jalo, Mme Tshireletso o ne a tlhalosa fa ba dumelane go tla go tsaya megopolo mo setshabeng gore jaanong kereke e seka ya tlhola e bopiwa kgotsa e kwadisiwa ka batho batho bale masome a mabedi bogolo e nne makgolo a mabedi le masome a amatlhano. O ne a kopa gore banni gore ba tswe ka megopolo gore bone kgang e ba e bona e ntse jang go leka go laola seemo sa dikereke mo lefatsheng leno. Mo go tse dingwe mothusa tona o ne a tlhalosetsa banni ba metse eo gore go dumelwane gore maungo, merogo yotlhe le dijo dingwe di akaratsa phaleche le raese di seka tsa tsenngwa VAT kwa marekisetsong ka e le tsone dijo tse ka tsone di agang mebele ya batho e bile dile botlhokwa fela thata. E rile ba mo kgwa dikgaba, banni ba metse eo ya Mmaphashalala le Dovedale ba ne ba dumelana fela ka bongwe ja pelo gore palo ya makgolo a mabedi le masome a matlhano e kwa tlase ba kopa gore palo eo e okediwe gore dikereke di fokotsege. Mo go tse dingwe, e ne ya re go le pele kwa Mmaphashalal Kgosi ya motse oo o ne a tlhalosetsa mothusa tona Kgosi Kemmapatse Bagatiseng o ne a leboga gore ka itsholelo e a itokafala ba tsile go bona ditlhabololo tse ba di tlhokang mo motseng wa bone di tshwana le yone ya tsela. Kgosi Bagatiseng o ne a tlhalosetsa mothusa tona gore ba tlaelelwa ke mapodisi mo motseng wa bone mme se se dira gore borukutlhi bo ye kwa go dimo. A re gongwe fa b aka okeletswa mapodisi b aka kgona go laola seemo se sa borukutlhi se se ileng magoletsa. E re go ntse go ntse jalo, e ntse ele gone kwa Mmaphashala mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Mme Tshidah Mpanti a tlhalosa fa ban a le mathata mo motseng wa bone tebang le batho botlhe b aba kwadisitsweng mo mananeong a nyeletso lehuma. Mme Mpanti a re e re le ntswa batho botlhe b aba tswa go rutuntsiwa mo di kgwebong tse ba di batlang ga ba ise b abo ba bone ditlamelo tsa teng ka bontsi. O ne a tlhalosa gape gore b aba solofeditsweng dipodi bone mathata dituelo tsa go duelwa ba dipodi di rekiwang mo go bone di a diega mme se se dira tiro thata. Kwa motseng wa Dovedale gone, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Mme kedibonye Mogotsi o ne a tlhalosa fa ba tlhaelelwa ke metsi mo motseng wa bone. Mme Mogotsi o ne a tlhalosa gape gore e re le ntswa motse wa bone e le mengwe ya metse ya bogologolo o sa ntse o tlhaelelwa ke motlakase bogolo thata kwa kokelwaneng ya bone. O ne a tlhalosa gape gore ba a sokola mo motseng wa bone bogolo jang ka gore bana ba motse ga ba hirwe go dirwa ditiro tsa nakwana mme go tsewa batho kwa metseng e mengwe, ntswa ban aba m gae ba le teng. BOKHUTLO society 9 Monna o atholelwa kgolegelo Kgotla ya ga mmakaseterata kwa Serowe e atlholetse monna wa dingwaga tse masome a mabedi kgolegelo ya dingwaga tse di lesome morago ga go lebisiwa molato wa go itseela dikobo ka dikgoka. Go bolelwa fa Thabo Ookeditse a ne a dira molato oo kgwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi a le masome a mabedi le borababobedi ngwaga oo fetileng. Ka nako ya tiragalo e, mosekisiwa o ne a itekanetse sentle mo tlhaloganyong. E rile a ntsha katlholo, Mmakaseterata Joseline Molifhe a nankola dintlha tse lekgotla le neng le di etse tlhoko fa le tsaya tshwetsho ya go atlhola mosekisiwa. A re lekgotla le ne la sekegela tsebe gore mosekisiwa ke monana mme e bile ga a ise a ke a dire molato wa petelelo mo nakong e e fetileng. Mme Molifhe o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba ne ba etse tlhoko mo go ntsheng katlholo gore mosekisiwa o ne a sena ape mabaka a a mo patikang go ka bo a dirile molato oo. Mosekisiwa o ne a tlhalositse mo tshekong fa a sa itse gore ke eng a lebisitswe molato oo wa petelelo. Katlholo ya petelelo go ya ka melao ya Botswana e ka nna ya dingwaga tse di seng kwa tlase ga lesome kana kgolegelo botshelo jotlhe. Mo tshekong nngwe, Mmakaseterata Molifhe o ne a atlholela monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa dingwaga tse supa mo kgolegelong . Se se tla morago ga gore mosekisiwa a bonwe melato e mebedi, wa go tshuba ntlo ya bojang gore e bo e lore le molato wa matshosetsi a go bolaya mosadi le bana ba gagwe ko motseng wa Paje ngwaga o o fetileng. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Dinotshi teemane ya ga Kamarea Go tswa goo-Lowe, motho fa a bona segopa sa dinotshi s etla se rwaleletse, o tlhanola direthe, bangwe ba ribame fatshe, se e le go iphalotsa botlhoko jwa go longwa ke notshi. Se ya bo e le dikgang tsa maloba mo go Rre Kitsoyaone Kamarea (31) wa kgotla ya ga Kebuang kwa Kanye. E ne fa go nna jaana o dudueletsa boatleng, a tlole a bo a relele a itse sentle gore gouta le selefera di mo wetse godimo, kgang kgolo mo go ene, e nne go ja tlhogo go bona gore di mo tsena jang diatleng. “Ke koma fela ke itse gore motswedi wa madi o gorogile, Mafoko a me e nne gore, ruri lefa gotwe modimo ga afe ka letsogo tsatsi leo wa bo a nneile,”ga bua jalo Rre Kamarea. E ne ya re fa a buisana le BOPA bosheng, mogwebi yo wa khamphani ya Rust and Dust Holdings, yo o itebagantseng le go gweba ka thuo ya dinotshi, a supa fa e rile go fatlhogeng ga gagwe a nna le lerato le le tseneletseng mo dinotshing ka jaana a ne a rata tsina. A re ka a godile go ja dinotshi e le selo modiro kwa ga gabo, se se ne sa mo fa monyetla wa go lemoga fa jaanong go rua dinotshi go ka mo tshela metsi mo ganong, toro e e rileng fa a fetsa lekwalo la botlhano a e rurifatsa ka bonnye jo a neng a bo ipoloketse ka 2007. A re go netefatsa gore o tsamaisa kgwebo ka bonokopila, o ne a tsenelela dithuto tsa thuo le tsadiso ya dinotshi tse a neng a di isitswe ke ba temo-thuo kwa Pelotshetlha Rural and Training Centre, selo se se neng sa mo tiisa moko. Rre Kamarea o tlhalosa fa e rile go bona kgwebo e tswelela sentle le ka ntlha ya go galalediwa ke bareki maikaelelo ya nna go e godisa, mme ya re ka 2012, ba lephata la banana ba mo pega lere ya dikeletso tsa gagwe ka P80 000. “Mo nakong ya gompieno tswina e e tlhotlhilweng, mamepe, le lelota ga mmogo le di-tswa dinotshing di tshwana le kerese, melora e e tlhapang le diitshaso tsa molomo ka go farologana, pholetshe ya ntlo le tse dingwe ke dingwe tsa tse ke gwebang ka tsone.” Go netefatsa gore kgwebo ya me e tswelela e itshetletse, ke dira ke bo ke rekisa mabokose le didirisiwa tsa dinotshi ka go farologana, ga mmogo le ditirelo tsa phuduso ya tsone,” Rre Kamarea a tlhalosa. Ka lenyora la go ntsha dithoto tsa tlhwatlhwa, Rre Kamarea o tlhalositse fa a ne a tsena mo maranyaneng a inthanete ga mmogo le go ikopanya le ba lekalana la National Food Technology Research Centre (NFTEC) go itseela botsipa ka go dira di-tswa tswineng, metswako le menontshane e e lekanetseng, go di somarela ga mmogo le go di phuthela. Mogaka yo wa mogwebi wa dinotsi a re e re ka go dirwa ga tswina go laolwa ke boleng teng jwa ditlhatshana, o tlhokomela dinotshi tsa gagwe ka go di lemela dithunya ka nako ya tlala gore di kgone go ntsha tswina ya boleng le go di beela mabokose a itsidifatso ka nako ya mogote go fokotsa dintsho. “Go dira jaana go ntla matshediso ka mabokoso a ke nang nao a a masome marataro, ke roba bokete jwa makgolo a roba bongwe a tswina,mo fa gongwe e nnang gabedi fa e le ngwaga o monamagadi.” A re se se nonang pelo mathe ka kgwebo ya go nna jaana ke gore ntle le matsapa a go gama tswina, ga e turu e bile e motlhofo go tsamaisiwa, ka jalo e mo fa sebaka sa go dira ditiro tse dingwe tsa selegae. A re le fa go ntse jalo thuo ya dinotshi e tlhokana le kitso le botsipa ga mmogo le motho yo o ititeileng sehuba. O buile a sa kgwe mathe ka botlhokwa jwa tswina ya dinotshi e a tlhalositseng fa e na le dikotla tse di tlhokwang thata ke mmele gore o fenye malwetse ka go farologana a akaretsa a letlalo le a mangwe. Le fa go ntse jalo, Rre Kamarea o tlhalositse fa dinotshi di ka nna borai mo bathong le ditshidi tse dingwe ka jaana di kgona go loma mo go ka bakang loso bogolo jang fa di rumotswe. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Ngwao ke Omang wa gago - Kgosi Mothusa Kgosi wa Ghanzi, Mme Annah Rankho a re go botlhokwa go somarela ngwao le go e ruta banana. Mme Rankho o buile jaana bosheng jaaka motse wa Ghanzi o ne o tshegeditse letsatsi la ngwao. A re e le magosi ba neetswe boikarabelo jwa go re merafe ya bone e somarela le go diragatsa ngwao ya bone. A re go tshegetsa letsatsi la ngwao ke selo se se botlhokwa, ka le fa morafe sebaka sa go ikgakolola ka fa ba neng ba tshela ka teng bogologolo mme gape e le go fetisetsa thuto kwa bananeng ka go setse go lemosegile fa ngwao e fetoga mme gape e setse e nyelela. O kgothaditse morafe wa Ghanzi go tlhopha tse di siameng mo ngwaong mme ba di diragetse gore di ba tswele mosola. A re ngwao e akaretsa dintlha di le mmalwa di akaretsa dijo, kapari, mmino, le metshameko. A re ke santlha Ghanzi a tshwara letsatsi la go tshwana le le, mme se se tsile morago ga go itemogela fa merafe e mengwe e gatetse pele ka go diragatsa dingwao tsa bone. Kgosi Rankho a re maikaelelo a komiti e e rulagantseng moletlo o ke gore ba o tshware ngwaga le ngwaga e le tsela ya go tsosolosa ngwao le go fetisetsa thuto kwa bananeng gore le bone ba somarele ngwao. E ne ya re a rola maikaelelo a letsatsi, modulasetilo wa komiti e e neng e rulaganya, e bile e le mokhanselara wa kgaolwana ya Ghanzi legare, Mme Gakeoletle Dikoma a re maikaelelo a bone ke go tshwaraganya merafe e e fitlhelwang mo Ghanzi. A re go setse go supagetse fa ngwao e nyelelela ka iketlo, le merafe e e fitlhelwang mo kgaolong e sa ikitse mme ba latlhile botho jo ba tlholegileng ka jone ka mo malatsing ano borukhuthi jwa dipolaano bo ile kwa godimo. A re letsatsi le le diretswe gore banni ba Ghanzi ba buisane ba bo ba itshekatsheke gore ba ka tswa ba fapogile ngwao fa kae mme ba e boele ka e na le dintlha tse di ka agang motse. Fa a ntsha lefoko la kgothatso mogolwane go tsweng kwa lephateng la tlhabololo banana, metshameko le ngwao Rre Gobonaone Ramoupo a re go botlhokwa gore e re go rulaganngwa ditiro di tshwana le e, go ngokelwe banana mo go tsone gore le bone ba nne le seabe mme ba anye dikitso mo bagolong ka ke bone ba tsamaisi ba kamoso. A re le ntswa lephata la gagwe le sa nna le karolo mo tirong e, le tlaa ya go itshekatsheka gore mo nakong e e tlang le ka thusa jang. O rotloeditse banni ba Ghanzi go kgaphela thoko dikgang tsa sepolotiki fa ba dira ditiro tsa morafe ka se se ka busetsa morago tshwaragano e mo bogompienong e tlhokegang thata go isa motse kwa pele. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Ba tshosa diphiri ka seka-motho lick to see more pictures Maano a botshelo ga a site go sita a leso, e bile gape ga twe e re go tlhalefa bolwetse le ngaka o e tlhalefe. Ka lone lebaka le, balemi-barui ba masimo a Shakge go bapa le Mogorosi kwa bophirima jwa Serowe, ba boletse fa ba sa bolo go jesediwa mo kgobedung ke diphologolo tsa naga, tse di ba jelang setlhogo leruo le dijalo, mme ba bone go le botoka go di jela tlhogo. Mme Ntsopa Ntesang wa masimo ao o boletse mo potsolotsong gore morago ga go lela selelo sa khuranyo ya meno, ba dirile ditshwantsho tse e kareng batho ba tsholeditse matsogo, ba bo ba di baya fa pele ga masaka a dipodi le kwa masimo go tshosa diji. A re dihutshane tsa gagwe le letsomane di feditswe ke diphiri tse di tlang bosigo, di bolaya di bo di tswa di tsamaya. A re mme e rile ba sena go baya dika-batho tseo ga nna botoka. O boletse fa kwa tshimong gone ba leka go koba ditholo tse di ba upuditseng, mme ba baya ditshosa tseo, mme morago ga lebakanyana di tlwaela dika-batho tseo, tsa boelela gape di tsena fela di bona gore ke ditshosa fela dilo tseo. O boletse fa ba lekile thata go begela ba lephata la diphologolo makgabisa naga, mme karabo e nna gore fa ba fitlhela ditholo tseo mo tshimong ba di bolae mme ba bege kwa go bone. O boletse fa monongwaga ba ne ba bolaile thobo mme sebe sa phiri e le gore diphologolo di ba somotse mowa ka go ba jela, mme legale a re ba santse ba solofetse go le gontsi ka gore marotse, ntshe le mmidi ga di na botwesepe. Mme Ntesang a re o a ja gape o a rekisa, fela o ne a kgorelediwa ke go obamela melawana ya ba botsogo ya go kganela metsamao e le go laola kanamo ya COVID-19. society 9 Komiti ya Monarch e gatetse pele Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo ya Monarch Bophirima kwa Francistown, Mme Chiko Mogotsi, a re komiti eo e gatetse pele mo go tlhabololeng kgaolo ya bone. E rile a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, Mme Mogotsi a tlhalosa fa ba tsere tshwetso ya go dirisa didikadike tse lesome tsa di pula go aga matlo a magolwane a le mabedi a ba tlaa a firisetsang batho. Mme Mogotsi o tlhalositse fa kago eo e setse e simolotse kwa setsheng sa bone mme ba solofetse gore e bo e wetse pele ga ngwaga o ya bokhutlong. A re godimo ga moo, ba tlaa aga gape ofise fa setsheng seo ka sele segolwane, le go gokelela metsi le motlakase. E re ka gotwe mokoduwe go tsosiwa o o itekang, Mme Mogotsi a re komiti ga e a ikaega fela ka madi a ba a filweng, mme dule ka ditsela tse dingwe tsabgo itirela madi. A re ba setse ba simolotse go rekisetsa barui bojang jo bo kgaolwang ke babereki ba Ipelegeng. Godimo ga moo, a re ba na le ditilo le dipoto tse ba di firisetsang morafe. O ne a tlhalosa gape fa ba ne ba latswiwa ke thware fa palamente ya lefatshe la Belgium e ba abela P26 000 fa ba ne ba etetse kgaolo ya Monarch Bophirima. Komiti e ne ya dirisa madi a, go agelela lebala la kgwele ya dinao le le mo kgaolong ya bone. A re go agelela lebala moo ga go a ka ga fela ka madi ao a ile a seka a lekana, mme a tlhalosa fa ba solofeditswe madi a mangwe ke ba lephata la Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao go feleletsa go agelela lebala leo. Godimo ga moo, modulasetilo o kaile fa khansele e ba abetse lefelo le lengwe gape, mme ba ikaelela go aga lebala le lengwe la metshameko le le akaretsang bolotloa, mabelo, bolo ya molangwana le e mengwe. A re ba tsere tshwetso ya go aga mabala a, go ntsha banana mo mebileng gore ba inaakanye le metshameko e seng ditiro tsa borokutlhi kgotsa go nwa nnotagi phetelela. O kaile fa dithakga tsa metshameko mo Botswana jaaka bo Kabelo Dambe, le ba bangwe ba simolotse go tshameka gone mo Monarch, ka jalo mabala a a ka thusa go ribolola talente ya bana ba Monarch. A re maikaelelo a bone ke gore fa kago ya mabala a o e fedile ba nne ba tshwara dikgaisano tsa metshameko ka go farologana teng, mme go tsenwa ka madi gore dithebenyana tseo di tsene mo letloleng la WDC ya bone, mme ebile seo se tla nna mothofo ka mabala a tlaa bo a ageletswe gape ba na le ditlankana tsa one ele WDC ya kgaolo, tse ba setseng ba di filwe ke khansele. Mme Mogotsi o kaile fa ba tsweletse ka go phepafatsa kgaolo ya bone ka lenaneo la ipelegeng, go balelwa noka, ditsela le mo kgotleng tota. O buile fa ba lemile ditlhare mo kgotleng le tlhaga e tala gore kgotla e lebege, mme e bile ba nosetsa ditlhare tseo e le ba WDC ya Monarch Bophirima. Mme Mogotsi o kaile fa tsotlhe tse di dirwang ke WDC ya bone di direlwa mo pontsheng, e bile ba aga ba bitsa diphuthego go ba lekodisa ka tsothe tsa WDC go balelwa le gore madi a dirisitswe jang mo letloleng le gore go setse bokahe. A re o itumelela gore komiti ya bone ga e nke e nna le dikgang dipe tsa boferefere, bogodu kgotsa tsietso, le go nyelela ga madi mo letloleng tota. O kaile fa ba aga ba dirisana le maphata ka go farologana jaaka la botsogo, nyeletso lehuma, la banana. Mme Mogotsi o ne a gatelela fa paakanyetso boipuso jwa dingwaga tse di masome matlhano le bobedi e tsweletse sentle. Mokete o tlaa ketekelwa mo kgotleng ya Monarch jaaka ele tlwaelo. A re tirisano ya bone le kgosi, mokhanselara le bateledipele ba bangwe e le e e nametsang, ka e bile ba aga ba rotoetsa setšhaba go tsena diphuthego tsa kgotla, mme a thalosa fa batho ba ba reetsa. BOKHUTLO politics 7 Tirelo Setshaba e a simologa E tla a re kgwedi e e tlang e rogwa lenaneo le lesha la tirelo setshaba le bo le simologa. E rile fa a rolela phuthego ya khansele ya Borwa e e tsweletseng kgang, mothusa mokwaledi mogolo mo lephateng la banana, metshameko le ngwao Rre Jefferson Siamisang a re, go tserwe banana ba le 15 000 mo go ba ba 26 000 ba ba neng ba ikopetse go tsenngwa mo lenaneong leo. Rre Siamisang a re, gone go sa kgonagale go amogela baikopedi botlhe ka jaana madi a ne a tlhaela go ka dira jalo. Rre Siamisang o tlhalositse gore tirelo setshaba ya monongwaga e farologana le ya dingwaga tse di fetileng ka gore banana ba ne ba direla kwa eseng magae a bone, mme a supa fa gompieno ba nale sebaka sa go itlhophela kwa ba batlang go direla teng le fa ba ka kgonang teng. O gateletse gore tirelo setshaba ga se tiro, ke mogopolo wa go tsenya banana mo maphateng a a farologaneng a puso gore ba ithutele tiro, ba tle ba nne le botsipa jo bo tlhokafalang mo itsholelong ya lefatshe leno. Rre Siamisang o tlhalositse gore, “ Banana ba, ba tla a fiwa P500 mo letsogong, go bo go nna le P200 yo o tla a tsenngwang mo bukaneng ya polokelo e e nang le morokotso, e bile gone go tsewa banana ba ba nang le dingwaga tse di masome mabedi go ya kwa go masome a mararo.” O tsweletse a tlhalosa gore, e tla a re fa lenaneo leo le sena go simolodisiwa semmuso ke Tautona Lt Gen Seretse Khama Ian Khama ka Moranang a tlhola gangwe kwa Gaborone, go nne le komiti e e tla yang go tsaya botsipa kwa mafatsheng a a nang le botsipa jwa lenaneo leo jaaka kwa Ghana. Fa ba akgela mabapi le lenaneo, mokhanselara wa Manyana Rre Peter Sethibe a re, o batla go itse gore go dirisitswe botsipa bofe go tlhopha banana ba ba yang tirelo setshaba, a fa sekai ka motsana wa Bikwe a supa fa o sena ditlamelo, ka jalo banana ba teng ba ya go tlhoka maroko e bile a batla go itse gore go ya go dirwa jang ka bone. Mokhanselara wa Pitseng Rre Abram Dibeela, ene o kopile gore banana bao ba dirisiwe thata mo mhameng wa temo-thuo ka gona le tiro e ntsi thata e bile molemisi a dira tiro e ntsi a le nosi go sena mothusi. Mokhanselara wa Pitshane-Molopo Mme Pandor Dorah, o ngongoregetse madi a bana bao ba tlaa bong ba a fiwa, a supa fa go tla a bo go tshwana fela le Ipelegeng e bile a gatelela fa a sa lekana go tlamela mmereki. Fa a araba dipotso le dikakgelo tsa makhanselara Rre Siamisang a re, gone go tlhophiwa banana botlhe ba ba neng ba ikopetse lenaneo la go boela sekolong gore ke bone ba tsene mo lenaneong le. O tsweletse a re, gape go ne go tsewa banana ba mophato wa bosupa ba ba saleng ba feditse bogologolo. Bokhutlo society 9 Tsayang moopelo tsia - tona Tona wa Papadi le Madirelo, Mme Dorcus Makgato-Malesu o kopile ditlhopha tsa moopelo tsa kereke ya Faith Gospel After Christ (FGAC) go tsaya moopelo wa bone ka tlhwaafalo. Mme Makgato-Malesu o buile jalo kwa dikgaisanong tsa moopelo wa kereke eo kwa Ratholo ka malatsi a paseka. A re, mmino mo malatsing ano ke botshelo jwa motho, mme fa o tsewa ka tlhwaafala o kgona go dira pharologanyo e tona mo matshelong a batho le ba malwapa a bone. Tona o tlhalositse fa mmino o sa tlhole o lebiwa ele wa go itlosa bodutu fela mme ele tsela nngwe ya go ka dira madi go itshetsa le gone go tlhabolola tikologo ya motho. O tsweletse a tlhalosa gape gore moopelo o tshwanetse go tsewa jaaka kgwebo. Mme Makgato-Malesu a re, mo lephateng la gagwe go nale lekalana la tshomarelo dikitso tsa ditlhamo ba tshwaragane le ba bodiragatsi, ba tlile ka melawana ya gore batlhami ba akole meputso ya ditlhamo tsa bone. Ka jalo diletswa tsa bone di simolotswe go duelelwa. A re, ka jalo kereke le yone, e tshwanetse go akola seemo se, a tlatsa ka gore dikhwaere tsa FGAC tsa Selebi- Phikwe le Gaborone di setse di gatisitse mmino wa tsone e bile oa rekisiwa. A re, kereke ya FGAC e bone go le botlhokwa go kopanya banana ba yone ka kopelo, mme ka jalo selo se, se tla a ruta banana gore ba ka tswelela mo botshelong ka kopelo. Mme Makgato-Malesu a re, kopelo e a fodisa, e a kaela, e a ruta e bile e aga mowa wa motho. O tsweletse a re, bokgoni jwa banana ba kereke e jwa go tlhama dipina tse di nang le molaetsa o o botlhokwa wa lefoko la Modimo, ke ka bokgoni jwa boeteledi pele jwa kereke, mme ka jalo a leboga ba FGAC go bona ba tsaya moopelo tsia. Mo go tse dingwe tona o lebogile ba kereke ya FGAC go bo e nale seabe mo go tokafatseng matshelo a Batswana. Mme Makgato-Malesu a re, kereke e, e tsere maikarabelo a go thusa puso go aga banana le go abela ba Masiela Trust Fund madi go ithusa. A re, se, se supa gore kereke e tshwere moono wa tebelopele ya Botswana wa go utlwela ba bangwe botlhoko. Kereke ya FGAC fa e sale ka ngwaga wa 2004 e tshwere moono wa gore ngwaga le ngwaga ka malatsi a paseke e abele lekgotla la Masiela Trust Fund sengwenyana. Ngwaga ono e ba abetse dikete di le tlhano tsa dipula. Fa a rola maikaelelo a dikgaisano tseo, modulasetilo wa komiti ya dikhwaere tsa kereke Rre Cedric Luka, o tlhalositse fa maikaelelo a bone ele go gasa lefoko la Modimo le go sokolola batho ka kopelo. Rre Luka a re, ba dumela gore fa ba ka sokolola batho ka moopelo, ba ka kgona go lwantsha dikgwetlho tsa botshelo di tshwana le borukutlhi le tiriso ya nnotagi. A re, ba lemogile fa moopelo ele tsela nngwe ya go ka lwantsha diemo tse, a tlatsa ka gore moopelo wa kereke ya bone ga o felele mo kerekereng , mme ba setse ba kgonne go gatisa mmino wa bone mo ditlhopheng dingwe. O tlhalositse gape gore mangwe a maikaelelo a bone ke go kgobokanyetsa kereke madi ka moopelo gore e tle e kgone go diragatsa ditoro tsa yone. Rre Luka o tlhalositse fa dikhwaere tsa kereke di nale seabe mo kagong ya kereke ya bone. Bokhutlo religion_and_belief 8 Spar se abela baithuti Madirelo a Spar kwa Tutume le abetse baithuti ba le masome matlhano ba sekole se se botlana sa Tutume dijesi le ditlhako tsa sekole tse tsotlhe di lopileng madi a P12 000. E rile fa a rola dimpho tseo kwa sekoleng seo ka Laboraro, modiri kwa Spar Rre Tebagano Bagwasi o ne a bolela fa ba tlhophile sekole seo ba le mo moonong wa lephata la thuto le tlhabololo dikitso la go tsaya sekole go se tlhokomela. Rre Bagwasi a re gape ba ne ba bona go tshwanela go direla setshaba sengwe e le mowa wa go leboga bareki ba bone ka mabogo dinku a thebana. A re se se tlaa tsisa pharologanyo mo baithuting bao, ba ntshe mowa wa boitlhobogo mme seo se tlaa ba tiisa moko, ka jalo ba tlhwaafalele dithuto tsa bone. O ile a tlhalosa fa ba ne ba kokoanya madi ka go apara diaparo tsa bone e seng paka ya mmereko ka Labotlhano mongwe le mongwe mme ba ntsha P5. A re ka seo ba ne ba kgona go kokoanya P4 000 fa P8 000 a tswa kwa lebentleleng la Spar mme tshoboko ya madi ao ke one a ba a dirisitseng go reka dimpho tseo. Rre Bagwasi o tsweletse a bolela fa ba tlaa tswelela jalo ba tshwaragane le sekole seo go bona gore ba tshwaraganela tlhaelo e e mo sekoleng le mo baithuting go bona gore bana ba kgona go fitlhelela ditoro tsa bone tsa go bona thuto go sena sekgoreletsi sepe. O ne a gatelela ka gore seo ba ka se kgona fela fa ba ka nna seopo sengwe e le ba Spar, batsadi le barutabana ba sekole seo sa Tutume mme ba tswe ka megopolo e e tlaa fedisang letlhoko mo baithuting. Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Tutume, Mme Vinga Mongwaketse a re lebentlele leo ga se la ntlha ba thusa sekole seo ka ba ageletse tshingwana ya merogo e bile ba a e tlhokomela. Mme Mongwaketse o tlhalositse fa sekole seo se na le baithuti ba le makgolo a robabobedi le masome a robabobedi le bone mme palo eo e nna e oketsega nako le nako. O ne a re puso e leka ka bojotlhe go thusa bana ba ba tlhokang mme ka lebaka la tlhaelo ya madi, ga e kgone go ka ba thusa botlhe. Gape o ne a leboga lebentlele la Spar le badiri ba lone go bo ba ne ba bona go tshwanela go thusa bana bao ba ba sa kgoneng go thusiwa ke ba boipelego. Mogolwane wa lephata la thuto wa kgaolo-potlana ya Tutume, Mme Maggie Ngache o ne a leboga lebentlele leo go bo ba diragaditse lengwe la matshego a tebelopele ya 2016 a setshaba se se kutlwelo botlhoko se se tlhokomelang batho botlhe. Mme Ngache o ne a gwetlha batsadi go tlhokomela bana dinako tsotlhe ka go bona gore ba ya sekoleng ba le phepa e bile ba bone sengwe go tshwara logaba. BOKHUTLO education 4 Ba-na-le-bogole ba salela kwa morago Modulasetilo wa mokgatlho wa ba-na-le-bogole kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Ofetotse Bikimane, a re setshaba ga se potlakele go reetsa dilelo tsa ba-na-le-bogole. Rre Bikimane a re ba-na-le-bogole ba saletse kwa morago ka ba lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi, mme a re le mororo puso e dira bojotlhe go ba sekegela tsebe, setshaba sone ga se dire go lekane. O kaile fa letlhoko la ditiro, kgethololo, letlhoko la madi gammogo le go tlhoka kitso ga setshaba ka ga dikgwetlho tse ba kopanang natso, go ba baya ka fa mosing ka ba sa kgone go itse dilo tsa botlhokwa mme ba salele kwa morago. Rre Bikimane a re letlhoko la madi leba paledisa go fitlhelela dikeletso tsa mokgatlho mme a ikuela gore le dikompone tse di ikemetseng ka nosi ga di ba sekegele tsebe fa ba ikopeladithuso bogolo jang tsa madi. A re mangwe a maiteko a ba a dirang mo nakong ya gompieno ke go lema merogo mo tshingwaneng e ba e abetsweng go lwantsha lehuma. Bokhutlo society 9 Banni ba Manyana ba itlhokoletsa boipuso Boipuso jwa monongwaga jwa go ipelela dingwaga tse di masome matlhano go tlaa leba yo o sebete, ka go sena phokoje wa morago. Kwa Manyana kwa kgaolong ya Borwa ba dira go swela, ba kopa kemo nokeng ya bagwebi, bogogi ja kgaolo, baruti le bodiredi go itsolopaganya le bone. Mo potsolosong le BOPA bosheng, modulasetilo wa komiti ya boipuso Rre Kerapetse Oageng o boletse fa a tlhatswiwa pelo ke gore mopalamente wa bone mothusa Tautona RRe Mokgweetsi Masisi o ba solofeditse go ba tlhabela dikgomo tse pedi. Rre Oageng o boletse fa mokhanselara Rre Peter Sethibe le ene a solofeditse kgomo gore Bahurutshe ba tle ba letse leino ka letsatsi la boipuso. O boletse fa puso e solofeditse P17 700 go keteka boipuso le go berekela mo go ene. Le fa go ntse jalo, ba tsweletse ka go kgobokanya madi ka go dira ditiro ka go farologana jaaka bommabontle, kgaisano ya kgwele ya dinao le tse dingwe. Rre Oageng o boletse fa baruti le bone ba sa salela morago ba ipaakantse ka thero, moopelo wa go galaletsa Modimo le tse dingwe. O boletse fa tirisano mmogo e le ya maemo a a ko godimo thata. O boletse fa ka letsatsi la boipuso ba ikaeletse go supa ditsangwao tsa bone tsa Bahurutshe. Mebala ya fologa ya Botswana e tlaa bo e phaphasela mo motseng wa Manyana. O boletse fa kgotla ya bone e pentilwe ka mebala ya folaga ya Botswana. economy_business_and_finance 3 Bodiredi bo supa kutlwelobotlhoko Bodiredi jwa lephata le le tlhokometseng dikago tsa puso kwa Letlhakane, bo akgoletswe go nna le seabe mo go thuseng ba ba dikobo dikhutshwane ka go agela motlhoki wa motse wa Mokobaxane ntlo. Mopalamente wa Boteti Borwa, Rre Lebonaamang Mokalake a re babereki ba, ba dirile se ka thotloetso ya lorato le kutlwelobotlhoko. Rre Mokalake o buile jalo fa a bula semmuso ntlo eo ya dikamore tse pedi le ntlwana ya boiteketso tse di lopileng P42 000. Rre Mokalake, yo e leng tona wa lephata la ditsha le matlo, a re tiro ya bone e tlaa thusa go nonotsha lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba le le rotloetsang kutlwelobotlhoko le gore Batswana ba thuse go tsholetsa ba ba kobo dikhutshwane. A re se ba se dirileng se thusa gape gore puso e fitlhelele maikaelelo a yone a go agela ba ba se nang bonno jo bo tlhomameng. Rre Mokalake a re bonno ke selo sa botlhokwa, bo fa motho seriti le tlotlo mo setshabeng. Tona Mokalake a re ba dirile namane e tona ya tiro ka gore ba thusitse go araba selelo sa puso sa gore e thusiwe go tokafatsa matshelo a Batswana ba ba tshelelang mo lehumeng. O boleletse bana ba ga Mme Bontshwanetse Setebelekwane, yo go tlhalositsweng fa a setse a tlhokafetse, gore toro ya bone ya go nna le bonno jo bo siameng e fetogile nnete ka thuso ya lephata leo. O ba rotloeditse go tlhokomela thuso eo le gore ba dire tshingwana ya merogo mo lwapeng gore ba itshetse ka yone. ona o ne a abela lelwapa leo dithuso tse dingwe di akaretsa dikobo. society 9 Bomme ga ba batle go salela kwa morago Fa go tsenwa mo mererong ya tsa kgwebo, bomme ba lefatshe la Botswana ba ititeile ka thupana go ka tshwaragana gore ba seka ba salela kwa morago. Mokwaledi wa kompone eo Mme Koolebogile Mholo mo potsolosong le lekalana la dikgang la BOPA a re e rile ba lemoga fa go na le tlhaelo ya ditshilo mo Kanye ba ikopanya go kopa dithuso kwa go ba ofisi ya boipelego ka ngwaga wa 2013, mme jalo ba atlega. Mme Mholo a re ba sila mabele le mmidi go dira legwantane le le jewang thata ke batho ba ba lwalang bolwetse jwa sukiri le madi a matona ka le bolelwa fa le na le dikotla tse dintsi tse di siametseng mmele wa motho. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa le ratiwa bobe ke leruo, segolo thata dipodi le dikgomo fa le tsentswe letswai. “Kwa tshimologong kgwebo ya rona e ne e tsamaya ka thelelo ka gore re ne re kgona go rekisetsa mabentlele a tshwana le le le tumileng thata la Choppies, mme mo nakong eno re lela sa ga ragele ka theko e ile kwa tlase fela thata,”Mme Mholo a bolela. Ka Motswana o rile ga gona ntlo e e sa neng Mme Mholo o ne a bolela fa go senyega ga metshine ya bone go baka poelo morago e tona ka gore go tsaya malatsi go e baakanya ka e bilediwa ba Rural Industrial Innovation Centre (RIIC), ka jalo tshilo e a ema mme ba latlhegelwe ke bareki. Fa a iteela kobo moroko,mongwe wa babereki ba kompone ya Mosadi Sejana , Mme Keaoboka Pitso a re ba oka bareki ka go ya ditshupong tsa ngwaga le ngwaga le go ipapatsa mo bathong ba ba fetang ka tsela le batho ba ba amegang ka kgwebo ya bone. Mme Pitso o boile gape a re ba ipapatsa ka (billboards) matshwao a a supang fa ba leng teng. A re ba na le botsalano le ba lephata la dikgolegelo. A re fa ba ka bona bareki ba bantsi le dithuso tse di faphegileng go ka thusa go atolosa kgwebo ya bone ka e le boutsana mo nakong eno. BOPA education 4 Banni ga ba na Omang Kgosi Paul Motshwane wa Gerald Estates kwa Francistown a re banni bangwe ba kgaolwana eo ga ba na dikarata tsa Omang. Kgosi o boletse mo potsolotsong gore selo se se dira gore batho ba seka ba kgona go ikwadisetsa ditlhopho. Kgosi o ne a kgothatsa batlhokomedi le batsadi go direla bana Omang fa dingwaga di lekane gore ba dire karata eo, ba tle ba kgone go akola mananeo otlhe a puso jaaka go tsena sekolo le ditlamelo tsa botsogo le gone go ikwadisetsa ditlhopho tota. A re maphata a a lebaneng a puso a tshwanetse go dira dipatlisiso go bona gore ke eng fa batho ba sena Omang le go bona gore ba ka thusiwa jang gore ba nne le karata eo. Kgosi a re dipalo tsa batho ba ba ikwadisang ga di tsamaalane le dipalo tsa batho tse di dirilweng ngwaga o o fetileng , a tlatsa ka gore fa go balwa batho go tshwanetse ga dirisiwa Omang. A re se seka thusa gore go lemogiwe gore ke bo mang ba ba senang omang mme ba thusiwa kana ba tseelwa dikgato gore ba itse gore ke molato go nna ba se na karata ya Omang ele Batswana. Mo go tse dingwe, kgosi o akgotse puso a re e dirile tiro e tona go bo kokelwana ya Gerald e bereka bosigo le motshegare mme a kopa morafe go dirisana sentle le baoki politics 7 Nlebesi o akgola sekole sa Tebogo Mapodisi a Selebi Phikwe a akgoletse sekolo sa Tebogo Primary School go dira ka thata mo ditlhatlhobong tsa lelwalo la bosupa tsa ngwaga o o fetileng. Sekolo sa Tebogo ke sone se digogang kwa tlhogong mo maduong a lekwalo la bosupa mo dikoleng di le masome a mane le bobedi ka 98.6%. E rile a akgola sekole sa Tebogo, mookamela mapodisi a Selebi Phikwe, Superitendent Victor Nlebesi, a leboga komiti ya batsadi le barutabana (PTA) go bo e dirile ka natla go netefatsa gore sekole se, se dira sentle. A re mafoko a bone ga wela fa fatshe, jaaka ba ne ba itlama gore ba tla dira ka bojotlhe gore bana ba tseye dithuto tsa bone ka tlhwaafalo. O supile gore le bone e le ba sepodisi ba ne ba tla go buisana le bana ka ngwaga wa 2013 ba itlama gore e le ba sepodisi sa Selebi Phikwe ba tla dira sengwe se se tla gwetlhang bana ba ba tlang kwa morago go dira go feta le go gaisa ba ba setseng ba fetile teng. Superitendent Nlebesi o tlhalositse gore e rile maduo a lekwalo la bosupa a tswa, sekole sa Tebogo sa bo se dirile go tlala diatla, ka jalo a bona go le maleba go ya go ikopanya le ba Business Community Policing gore ba itlhotlhore dipata go rekela sekole sa Tebogo mpho. E rile a rola mpho ya sekapamantswe le didirisiwa tsa sone, go dirisiwa ditirong tsa sekole, Superintendent Nlebesi a tlhalosa fa ba dirile se ka lenaneo la Adopt a School. O tlhalositse fa ba dirile thulaganyo ya gore sekole se sebotlana sa Tebogo se gokelelwe maranyane a inthanete, a tlhalosa gore ba setse ba buile le ba ba amegang go gokela maranyane ao. A re go setse dituelo fela, ka jalo go ne go tlhoka madi a a kana ka P250.00 mme ba tla tlogela madi a a kana ka P770.00 go tla go thusa mo go tse di tlhokafalang mo sekoleng. Superitendent Nlebesi o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba na le dithulaganyo tsa go etela dikole tsotlhe tse di mo toropong ya Selebi Phikwe go tsamaya ba ruta bana ka pharologano ya molemo le bosula gore ba gole ba itse go tlotla molao, a tlatsa ka gore se, se ka dira gore e re ga ba gola go bo go sena borukutlhi mo lefatsheng la Botswana ka gore ke bone bagogi ba kamoso. Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Tebogo mo Selebi Phikwe, Rre Boyce Kagiso, a re maphata a tshwana le a sepodise sa Selebi Phikwe, ba bone go le botlhokwa go ikgolaganya le ba sekole se sebotlana sa Tebogo go se ema nokeng. O lebogile komiti ya batsadi le barutabana ya lekalana la thuto ya legare, le mokhanselara wa kgaolo, a tlhalosa fa dithuto seka dipuisano tse di neng di tshwarwa go buisana ka tse di amang dithuto tsa bana di ntse mosola fela thata. E rile a ntsha mantswe a kgothatso, Mme Lilian Matshameko a tlhalosa gore pele ga lenyalo go tshwanetse ga nna le lorato, le se se ka gwetlhang gore go nne le tomagano ya go nna jalo, ka jalo go supagetse fa ba lephata la sepodise ba kgatlhilwe ke ka fa sekole sa Tebogo se dirang ka teng mo dithutong tsa sone. O tlhalositse fa sekole sa Tebogo se setse matshego a mararo a , ‘Coorperation’ eleng tirisano mmogo, ‘Communication’ e leng dipuisano ga reng ga barutabana le batsadi le la ‘Consultation’ e leng la therisano. O lebogetse ba sepodise sa Selibe Phikwe go bo ba bone go le maleba go gokela maranyane a inthanete mo sekoleng ka gore mo malatsing a gompieno thuto e tla ka ditsela tse dintsi, a tlatsa ka gore maranyane a oketsa thutego ya ngwana. O kopile badiri ba sekoloe sa Tebogo go tlhokomela didirisiwa tse ba di abetsweng ka gore ga se tsa sekole sa bo ne ba le nosi mme ke tsa Selibe Phikwe otlhe, ka bophara. Bokhutlo education 4 Salang ngwao morago - Puso Kgosi wa Batlokwa, Kgosi Puso, o akgoletse badiri ba Sir Seretse Kgama Memorial Junior Secondary School (SSKM JSS), go lemoga fa ngwao eka ba thusa go ruta bana le go ba pepetletsa ba ikegile ka se Motswana a itseng se ka kaela ngwana. Kgosi Puso o buile se kwa modirong wa go ruta le go rotloetsa ngwao kwa sekoleng sa SSKM, ka setlhogo se se reng Maruping Go a Boelwa, Go sa Boelweng ke Maleng. Kgosi o tlhalositse fa se se tsamaelana le thomo ya 2008, e Tautona a neng a e fhile Ntlo ya Dikgosi, ya gore go tsamaiwe le lefatshe, go lebelelwe gore go diragalang ka go lebega ekare ngwao ya Botswana ea nyelela, e bile e gomagomediwa ke mekgwa le dingwao tse dingwe, tse di tswang ko ntle. O ile a rotloetsa bana ba sekole seo gore ba bone tiro ya letsatsi leo, ele ya botlhokwa ka e ka ba thusa go tlhalosa gore lefatshe la Botswana le agilwe le agelwa mo merafheng ee farologanyeng. “Lefatshe le le fa le leng teng ka ntla ya batsadi le boeteledipele jwa rona jwa setso, jo bo godiseditseng Batswana mo ngwaong ya lefatshe la rona. Le fa rele merafhe e mentsi ee farologanyeng, re tshwanetse go ipelafatsa ka ngwao ya rona le se re leng sone,” kgosi a tlhalosa jalo. O ile a bua a sa kgale mathe, a tlhalosa gore, botho, kagiso, tlotlo, lerato, bonatla, neelano ya Motswana di ikaegile ka ngwao ya rona. A tlhalosa jalo gore, thuto e tshwanetse go ikaega ka ngwao, ka e bile bana aba sekole ba tshwanelwa ke go itse gore motho o tshwanetse go tshela jang le ba bangwe. O galaleditse maiteko a ba lephata la thuto ba mo go diragatseng gore maitlamo a go ruta bana ka ngwao, a tlhalosa fa lephata la thuto ele pilara kana boremelelo jwa go ruta ngwana gore o gola ka tsela ee ntseng jang le ba bangwe. Kgosi o kgadile mekgwa ya go sotla dingwao tsa merafhe e mengwe, a tlhalosa fa tlotlo ele yone eka re agang rele tshaba ya Botswana, abo gatelela gore re tshwanetse go tlotla dipharologanyo tse re nang le tsone mo dingwaong tsa rona, le go itse diteme tsa merafhe e mengwe, go itsa kgethololo. O rotloeditse bana go rata le go rotloetsa mmino wa setso, go ipela ka baopedi ba rona, gona le go sala baopedi ba mafatshe a mangwe ka go dira jalo goka godisa mmino le serodumo sa baopedi ba rona. Kgosi o supile letshwenyego ka boimana jwa banana, kapari ee khutshwane, go tlhoka maitseo mo puong, go golela batsadi, le go sa tlotla barutabana, a kgala abo a tlhalosa fa ditiragalo tseo ele dikai tsa boitaolo e bile mekgwa ya go nna jalo eka faposa bana ba sekole mo dithutong tsa bone. O buile jalo gore baba nyatsang ngwao ya bone ba a itatla. Kgosi Gaborone o kopile batsadi go godisa bana mo ngwaong ya Setswana, le go tshwaragana le barutabana mo go ruteng bana ka maitswaro a a letlelesegang. “toropo e nyeletsa ngwao, ka jalo a kopa Sekole go tsweledisa moono ka go aga kgotla le mantlo a Setswana, ele maikaelelo a go supegetsa bana gore rele Batswana re tswa kae. Ke rotloetsa batsadi go tsisa didirisiwa tsa ngwao mo sekoleng le go dira ba eteletse barutabana pele” kgosi a tlhalosa. Fa a amogela baeng, Modulasetilo wa lekgotla la batsadi le barutabana, Mme Gorata Khumotaka o supile fa sekole sena le baithuti bale makgolo a supa le masome a mane le bosupa le bodiredi bole masome a supa le boferabobedi. O supile fa sekole sena le kgatelopele ka se tokafaditse maduo a bone go tswa ko maemong a boferebobedi go yak o maemong a bosupa mo lefatsheng ka bophara. O tlhalositse fa maemo a sa buise ka pelo gole kalo, ka go supagala gona le maiteko a a solofetsang. “ga re kake ra ineela mo maikaelelong a go tsaya maemo a ntlha mo lefatsheng ka bophara,” a tlhalosa. O supile fa dikolo di tshwenngwa ke maitseo a ban aba sekole, jalo tsholofelo ele gore morago ga go ruta bana ka ngwao, go tlaa nna le phetogo ka maitseo le maitsholo a bone. Mo letsatsing le gone go suilwe didirisiwa tsa ngwao, go na le mmino le maboko ka ditlhopha ka go farologana di akaretsa, Dr Vom, Solly Sebotso, Welkom Polka, Moreri Moroka le Ranger – Morena. Bana ba sekole, barutabana, batsadi, le barotloetsi bane ba itatswa ka dijo tse di farologaneng tsa Setswana BOKHUTLO education 4 Komiti e kopa kemo nokeng Komiti e e okametseng kago ya leobo la kgotla kwa Mmadinare e kopilwe banni ba motse oo go e ema nokeng gore e kgone maitlamo a go aga leobo. Modulasetilo wa komiti eo, Rre Modise Motshegwa o tlhaloseditse O boletse fa morafe o ne wa tlhoma komiti e e tlaa etelelang tiro pele, mme komiti e ne ya rongwa go tsamaya e tsaya malebela mo metseng e metona mo lefatsheng leno go bona ka fa go agilweng maobo a dikgotla ka teng. O boletse fa komiti e, e ne ya tsamaya mo metseng e tshwana le Tonota, Serowe le Lerala. A re morago ga go wetsa leeto le komiti e ne ya busetsa phetolo ya thomo e ba neng ba e rumilwe kwa morafeng. Rre Motshegwa o tlhalositse fa morafe o ne wa dumelana ka bongwefela jwa pelo go aga leobo la kgotla la maemo a ntlha le le iseng le agwe gope mo lefatsheng leno. O boletse fa morafe o dumalane go aga leobo le le nang le diofisi ka go farologana ga mmogo le ntlo lehalahala go tlaa tshwarelwang ditiro mo go yone. A re go aga leobo le le nang le diofisi ke keletso ya morafe ya go fetola motse wa Mmadinare go nna kgaolo-potlana ya khansele gore banni ba motse ba tle ba kgone go bona ditirelo tsa khansela gaufi go na le go di latela kwa Bobonong. Rre Motshegwa o tlhalositse fa maikaelelo a morafe e le go neela puso diofisi dingwe tse di tlaa agwang le leobo leo go thusa puso mo go tlhabololeng motse. O boletse fa moalo wa kago ya leobo o sale o dirilwe ke ba moepo wa BCL mme go solofetswe gore leobo le le agwe ka P3 million. A re dikgotlana tsa Mmadinare di dumalane go kokoanya P20 000 kgotlana nngwe le nngwe mme mo nakong ya gompieno go setse go kgobokantswe P1 million. Rre Motshegwa o boletse fa morafe o ne wa kopa khansele ya Bobirwa go thusa mo kagong ya leobo. O boletse fa kopo e, e ne ya atlega gore leobo le agwe ka madi a ditlhabololo tsa dikgaolo. A re kago ya leobo le e tshwanetse e kabo e simolotse go agwa ngogola, ka jalo a tlhalosa fa go na le dingwe tse di diileng tiro. Rre Motshegwa o boletse fa go kokoanya ga madi a leobo go tsweletswe e bile morafe o itlamile go kokoanya P2 million yo o tlaa dirisiwang mo moketeng wa pulo semmuso ya leobo le. O boletse fa morafe o dumalane gore pulo semmuso ya leobo le e dirwe ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi. Rre Motshegwa o kopilwe banni ba Mmadinare ka kakaretso go ema komiti nokeng gore e diragatse maitlamo a yone. O tsweletse ka go kopa morafe go thusa mo kokoanyong ya madi a a agang leobo le ka le tsile go tlotlomatsa leina la motse wa bone ga mmogo le go tsisa ditlhabololo le tokafatso ditirelo. BOKHUTLO politics 7 Mosadi mongwe a amogwa koloi le dithoto Mapodisi a Masunga kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone, mme mongwe a neng a tlhaselwa ke banna ba le bararo kwa Makaleng bosheng. Mookamela mapodisi a Masunga, Superintendent Gaolatlhe Ngayaya a re mme yoo wa dingwaga tse di masome a matlhano le botlhano o boletse fa e ne ya re a sena go tshwara thapelo mo mosong ka nako ya botlhano, a tswela kwa ntle ga ntlo ya borobalo ka nako ya borataro go ya go thutafatsa metsi. O ne a kgatlhantshiwa ke banna ba le bararo, ba bipile difatlhego ka diaparo tse dintsho, mme ba lopa gore a ba neele madi. Dilalome tseo, di ne tsa lopa dilotlolo tsa koloi ya mme yoo ya modiro wa Toyota Dakar, mme ene ba mo funela maoto le matsogo, ba bo ba le botsa phokoje ka koloi eo ba sena go mo amoga segwana sa ditshwantso, beke ya bomme le dilwana tse dingwe tsa mo ntlong. Supt Ngayaya a re ka lesego e ne ya re moragonyana mme yoo a kgona go funolola mme a kua mokgosi, ka jalo tiragalo eo ya begelwa mapodisi. O tlhalositse fa go supagetse fa dilalome tseo di tsene mo ntlong ka seokomelabagwe, ba sena go kgaola ditshipi tse di kganelang magodu. Mookamela mapodisi a re e ne ya re mapodisi a latedisa motlhala wa koloi eo ga supafala e lebile ntlheng ya mololwane wa lefatshe leno le la Zimbabwe, ka jalo a re ba na le dipelaelo tsa gore koloi eo e ka tswa e tlodiseditswe kwa Zimbabwe. A re ditlhotlhomiso di tsweletse mabapi le ditiragalo eo. Le fa go ntse jalo, o boletse fa kgaolo ya bone e santse e rena tidimalo kwa ntle fela ga melato e mennye e se kae. E re dikgang di eme jalo, e ne ya re kgwedi eno e le masome a mabedi le boferabongwe, Kgosi wa Tati Siding, Kgosi Simon Nkgageng, a atlholela borre ba le ba bedi ba Tati Siding, ebong Patrick Lekau wa dingwaga tse di lesome le boferabongwe le Thabo Majama wa dingwaga tse di masome a mabedi, dithupa tse thataro mongwe le mongwe wa bone mabapi le molato wa bogodu, Mabaka a kgang a tlhalosa fa bobedi joo, e ne ya re ka ngwaga wa 2017 ka kgwedi ya Phalane ba filwe tiro ya nakwana ke khansele ya Bokone Botlhaba gone kwa Tati Siding, ba utswa didirisiwa dingwe tsa khansele tse ba neng ba di filwe go di dirisa mo tirong eo. Bobedi jo bo ne jwa utswa dikiriba tse pedi le dikgetsi tsa semente di le nne tse tsotlhe di lopileng P740, mme le fa gontse jalo dikiriba tseo le dikgetsi tse pedi tsa semente di ne tsa bonwa fa dikgetsi tse dingwe tse pedi tsone di ne tsa seka tsa bonwa. Go tlhalositswe fa basekisiwa ba ne ba tshwarwa ke mapodisi gone ka 2017, ba lebisiwa molato wa bogodu mme ya re ba ntse ba emetse tsheko ba tsena ka lenga la seloko go fitlhelela ba tshwarwa kgwedi eno e le masome a mabedi le boferabobedi. Mo godimo ga katlholo eo ya dithupa, Kgosi Nkgageng o ne a laela bobedi joo go duela khansele dikgetsi tse pedi tsa semente tse di sa bonwang mo malatsing a le lesome, go sa nneng jalo ba tlaa isiwa kgolegelong lebaka la kgwedi.E ne e rile ba ipobola pele ga katlholo, basekisiwa ba kopa lekgotla go ba utlwela botlhoko. Lekau o ne a supa fa a batla go tsweledisa dithuto tsa gagwe fa Majama ene a ne a bolela fa a dirile kopo ya go ya go tsena sekolo kwa dikolong tsa ithutelo tiro ya diatla tsa brigade, ka jalo ba supa fa kgolegelo e ka ba baya ka fa mosing. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Leuba le apesitse barui kobo ka letshoba Leuba la monongwaga le tsisitse dikgwetlho tse di farologaneng mo matshelong a Batswana, segolo jang balemi-barui. Go bolelwa fa komelelo ya monongwaga e buseditse maiteko a balemi kwa morago. Mme Mmaphiri Pule, yo o abetsweng dipodi tse di namagadi di robabobedi le phoko ka lenaneo la nyeletso lehuma kwa Tlokweng ka 2018, a re dipodi di ne tsa ata, mme tsa nna masome a mabedi le botlhano. O boletse fa se, se ne sa dira gore a nne le tsholofelo ya gore dipodi tsa gagwe di tlaa mo ntsha mo lehumeng. Le fa go ntse jalo, leuba le simolotse go kokonela leruo le. Mme Pule a re dipodi tsa gagwe di setse di omeletse mabele, mo di sa kgoneng go amusa, mme seo se baka go swa ga dipotsane di sa le dinnye. A re o ne a bona go tshwanela gore a rekele dipotsane tsa gagwe mashi, le fa a rekwa boturu. Mme Pule a re o dirisa madi a a ka bong a thusa lelwapa la gagwe go tswa mo lehumeng go boloka dipotsane, ka tsholofelo ya gore e tlaa roba sengwe isago. O tlhalositse fa dipotsane di setse di sa mo tsenye dingalo, a tlatsa ka gore o di amusa gabedi ka letsatsi.. health 6 ‘Se kgobiweng marapo ke dikgwetlho’ Baikopedi ba lenaneo la Nyeletso Lehuma ba metse ya Khwee le Letlhakane ba gakolotswe go nna pelotelele le boineeelo gore ba kgone go dira dikgwebo tse di nonofileng le go ntsha dithoto tsa boleng jo bo kwa godimo. Kgotlhatso e, e ntshitswe ke mokhanselara wa Letlhakane Bokone, Rre Boitshwarelo Mopedi ka Labotlhano kwa kalosong ya baikopedi ba lenaneo kwa Letlhakane. Mokhanselara Mopedi a re kgwebo e na le dikgwetlho e bile bareki ba keleka boleng jwa dithoto pele ba reka. A re seemo seo, se seka sa ba kgoba marapo mme ba se tseye e le thotloetso e e tlaa ba thusang go baakanya dithoto le ditirelo tsa bone. Rre Mopedi a re puso e ntshitse mananeo go ba ntsha mo lehumeng ka jalo ba tshwanetse ba a dirisa ka botlalo go itlhotlhora lehuma le go hema letlhoko la ditiro. O supile fa dithuto tse ba di fiwang di le botlhokwa ka gore di ba fa maele a go tsamaisa kgwebo. Mokhanselara Mopedi a re o lemogile gore bangwe ba nna boitseme fa ba sena go fiwa mananeo mme se, se godise tumelo ya gore mananeo ga a kgone go diragatsa maikaelelo a o ne. O ba rotloeditse go ikopanya go tlhama dikoporase tsa dikgwebo gore ba kgone go tshegetsana, go gola mmogo le go anamisa dithoto tsa bone gore ba gole. Molaodi wa Kgaolo potlana ya Boteti, Mme Sebokwana Dikgope-Mosweu a re dithuto tse, ke tsa ntlha tsa legato la boraro (Phrase 3) tsa lenanaeo la Nyeletso Lehuma mme di itebagantse le go tsamaisa kgwebo. Mme Dikgope-Mosweu a re ba dirisa barutuntshi ba ba ikemetseng, ba itebagantse le kgwebo go fa baikopedi kitso e e tseneletseng. Molaodi Dikgope-Mosweu o kopile maitshwarelo mo baikopeding a supa fa go tsere lobaka ba ntse ba kopile thuso go rutuntshiwa, a re tiego e e bakiwa ke palo e ntsi ya baikopedi. O supile fa bontsi jwa baikopedi ba lenaneo la Nyeletso Lehuma, ba eletsa go tsena mo thuong ya dipudi le mororo ba leka go ba rotloetsa go tsena mo dikgwebong tse dingwe tse di akareditsweng mo lenaneong. Mme Dikgope-Mosweu a re ba ne ba kopa barutuntshi go lemotsha baikopedi boleng jwa dikgwebo ka go farologana. O tlhalositse gore dikgwebo di tshwana le kapei ya borotho, go roka le go apaya di na le mosola a tlatsa ka gore puso le yone e ka ba ema nokeng ka go ba abela dithendara gore dikgwebo di tswelele. Mme Dikgope-Mosweu a re o tshwenngwa ke gore le fa baikopedi ba fiwa dithuto tse di lebaneng le dikgwebo tse ba eletsang go tsena mo go tsone, bangwe ba nna boitseme mme seo se ba busetse kwa morago. Mongwe wa batlhatlhelela dithuto go tswa kwa Veldberry Management and Training, Mme Nametsegang Moyo a re tsholofelo ke gore baikopedi ba tlaa dirisa dithuto tse ba di filweng go nna dikgantshwane tsa kgwebo mo kgaolong potlana ya Boteti. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Tlotlang kgotla - Molefhi Modiri wa pele wa mmadikolo Dr Rogers Molefhi o gakolotse Batswana le bodiredi jwa makgotla a Setswana go tlotla kgotla ka e le yone e go rerelwang ditlhabololo tsa lefatshe le tsa matshelo a batho mo go yone. Dr Molefhi o buile se fa a ne a simolodisa semmuso bokopano jwa lesome le boferabongwe jwa ngwaga le ngwaga jwa lekgotla la badiri ba dikgotla la BOTASA (Botswana Tribal Administration Service Association) jo bo tshwaretsweng kwa Ghanzi. Maikaelelo a phuthego ke go buisana ka dikgang tse di amang lephata la bone le go tlhopha komiti e ntshajone konokono ya puso ya lefatshe la rona, mme a gakolola bodiredi go tlotla kgotla ba seka ba lebelela dithutego tsa bone kana dipharologanyo tsa bone tsa sepolotiki ka gore kgotla ga e tseye matlhakore ebile ga e letlelele sepolotiki mo go yone. Dr Molefhi a re kgotla e rotloetsa mowa wa go direla dilo mo pontsheng, ka gore fa re le mo kgotleng re a lekalekana e bile mafoko a kgotla a mantle otlhe. A re dikgang di akaretsa go rera lenyalo la kgosi di ne di buelwa mo kgotleng morafe o na le seabe mo go tsone e le tsela ya go aga tshepho magareng ga kgosi le morafe. A re kgotla e aga puso ya batho ka batho a tlatsa ka gore lekoko la dikgosi le le neng le tswa go kopa boipuso kwa ga Mmamosadinyana ba ne ba simolotse pele ka go kopana le go rerisana mo kgotleng. Dr Molefhi a re kgotla e rotloetsa botho, mme badiri ba makgotla a Setswana ba tshwanetse go bonwa ka botho le maitseo fela jaaka moono wa letsatsi o re “Kgotla motheo wa rona”. A re le sekolo sa Mmadikolo se rerilwe pele mo dikgotleng mme ga dumalanwa mogopolo wa gore motho le motho a ntshe kgomo se agiwe mme ka tshwaragano ya merafe se ne sa kgonega. Dr Molefhi a re kabo ya lefatshe e ne e reriwa mo lekgotleng go akarediwa ba-na-le seabe botlhe. Dr. Molefhi a re ga a itumedisiwe ke seemo sa gomepieno se bodiredi jwa makgotla a Setswana ba direlang mo go sone ka gore ga gona kwa ba ikoketsang teng dithuto le dikitso ka bogosi le kgotla. A re badiredi ba dikgotla ba tshswantse go nna le kitso ka bogosi le tikologo e ba direlang mo go yone e leng kgotla gore tirisano ya bone le dikgosi e nne ya motiya mme ba ise ditlamelo tse di nang le boleng kwa Batswaneng. O rotloeditse Batswana go itshwara sentle ka malatsi a boitapoloso bogolo jang banana a re ba ikgaphe mo go diriseng bojalwa phetelela mme gape ba ikgaphe mo go tsa tlhakanelo dikobo e le tsela ya go ikgapha mo boimaneng le malwetse a tlhakanelo dikobo a tshwana le HIV/AIDS jo. politics 7 Bodiredi ga bo itumedise banana Banana ba kgaolwana ya Goo Kodisa kwa Molepolole Borwa ba re ga ba itumedisiwe ke bodiredi bongwe jwa maphata a puso. Banni ba ntshitse ngongorego eo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Molepolole Borwa, Dr Tlamelo Mmatli ka Labone. Mongwe wa bone, Rre Shokola Rampone, a re boammaaruri jwa seane se se reng mashi ke tswa thobeng ke le phepa selabe se tla le motsaya kgamelo, boitshupile, ka jaana mananeo otlhe a a ntshitsweng ke puso a gore banana ba itlhamele ditiro a le mantle, fa sebe sa phiri e le gore ga ba bone thuso e e lolameng fa ba ile kwa diofising tse di lebaneng. A re seo se dira gore dikakanyo tsa bone tse di nonofileng di felele mo phefong ka bontsi bo tlelwa ke boitlhobogo. Rre Rampone a re le ene o ne a felela a itlhoboga ka jaana ba LIMID le ba botsogo ba sale ba mmaya seatla matlhong mme nako kgolo ke eno. A re go sa thusiweng sentle ke bodiredi go felela go busetsa banana mo ditirong tse di maswe tse puso e neng e leka go ba fapha mo go tsone. Rre Kenneth Kebuile ene o kopile puso go baakanya tsela ya Molepolole le Lesilakgokong ka go e tshela sekonotere ka jaana e na le dithaba kana makgabana a mantle a a ka dirisediwang bojanala. Mopalamente o ne a lekodisa batho ka theko ya diabe, a re puso e tsere tshwetso ya gore khamphani ya BTCL e kopanele kgwebo le Batswana ka go ba rekisetsa diabe. O bile a gakolola barui go rekisa leruo le ise le nyeletswe ke leuba gore bontlha bongwe ba reke diabe ka go tlhalosiwa gore fa kgwebo e tsamaya sentle di ka ba busetsa. politics 7 Dikgwebo tsa ba-na-le bogole ba tlhoka thotloetso Mogolwane go tswa kwa lephateng la Peeletso, Papadi le Madirelo, Mme Mpho Lucas a re ba-na-le bogole ba saletse kwa morago mo dilong tse dintsi di tshwana le tsa kgwebo le go akola mananeo a puso. O boletse jaana kwa thuto-puisanyong ya ba-na-le bogole e e neng e tshwaretswe kwa holong ya Marapalalo kwa Kanye bosheng gore ba ofisi ya gagwe ba itremogetse gape botlhokwa jwa go nna le ofisi e e tlaa lomaganyang ba-na-le bogole ba bagwebi le lephata. O bua jaana ka go na le dikgwebo tsa ba-na-le bogole di feta lekgolo mo Kanye, mme bontsi jwa tsone di thetheekela kana di sule gotlhelele. E ne e rile go le pele mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Kanye Administrative Authority, Mme Motlhatlosi Tshoganetso a bolela fa mo kgwebong ya thuo ya dihutshane, di le masome a mararo le botlhano go tshela di le masome a mabedi le bobedi, fa mo go tsa temo ya mo digotlong di ne di le tharo mme jaanong go tshela di le pedi fela. A re tiro ya tshomarelo di-tsa tlholego e ne e le nngwe mme e santse e tshela. A re ditante tsone di ne di le lesome le borataro e bile di tshela tsotlhe. Mo go tsa go roka, Mme Tshoganetso o boletse fa go dira di le tlhano fela fa tse dingwe tse tharo di sa tlhole di bereka. A re mo dikgwebong tsa ba-na-le bogole tsa dimauso ke e le nngwe fela mo go tse di neng di abilwe di le thataro e e sa ntseng e setse. Fa a leboga, mokhanselara wa Marapalalo, Rre Kabelo Lemme o ne a rotloetsa ba-na-le bogole go nna pelokgale. Rre Lemme o kopile ba-na-le bogole go ya go ithutela kgwebo le go e anya mo bagwebing ka bone. A re makalana a tshwana le LEA a na le bokgoni jwa go rutuntsha bogwebi. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Banni ba Moshupa ba atla tshimolodiso ya kago ya kokelo Go agwa ga kokelo ya Moshupa, e e tlaa lopang P419 million, go tlaa simololwa kgwedi eno e le masome mabedi. Kokelo eo, e e tlaa tsenyang malao a le masome a supa e agwa ke khamphani ya Zhengtai Group. E rile a bua kwa tirong ya go neela rakonteraka setsha sa kago, modulasetilo wa khansele-potlana ya Moshupa, Rre Sonny Phiri a supa fa morafe wa motse oo o itumeletse tshimolodiso ya kago ya kokelo ka jaana ba sa bolo go e emela. A re seo ke tshimologo ya dilo tse dintle tse di tlaa diragalang mo Moshupa ka jaana kokelo eo e tlaa tsosa itsholelo ya kgaolo- potlana ya bone ka e tlaa thapa batho. A re kago eo gape e tla ka ditsholofelo tse dintsi mo morafeng wa Moshupa. Le fa go ntse jalo, Rre Phiri o ne a supa fa go le botlhokwa go tsenya tiro eo leitlho go netefatsa fa e dirwa ka matsetseleko e bile e sa lope puso madi ape a motlaletsa. A re go le gantsi dikago tsa puso ga di salwe morago mme kwa morago go tlhage dilo tse di lopang puso madi a a neng a sa dumalanwa. E rile a tswa la gagwe, Kgosi Oscar Mosielele a supa fa go le botlhokwa go bega baeng fa ba tsena mo motseng gore ba fiwe thotloetso epe fela e ba ka e tlhokang ba tsweletse le tiro. O ne a akgolela lephata la dikago go bo le bone go tshwanela go tla go rola rakonteraka mo boeteledipeleng jwa motse pele ga ba simolola tiro. A re se se tlaa thusa gore ba tshwaraganele tiro eo sentle le gone gore beng ba motse ba tlhaloganye se se dirwang mo motseng wa bone. Kgosi Mosielele a re gape go tlaa thusa gore fa go na le dikgang kana dikgotlhang baeteledipele ba morafe ba kgone go di rarabolola ba phuthologile. A re o solofela fa badiri ba tiro eo ba tlaa e dira ba phuthologile go sena sekgoreletsi sepe. Mokwaledi wa lephata la Botsogo le Boitekanelo Mme Ruth Maphorisa o ne a re tiro eo e tsile go ngoka batho ba bantsi mme go botlhokwa gore ba fiwe tsa boiphemelo go fokotsa go anama ga mogare wa HIV. O ne gape a ba rotloetsa go dirisa didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo gore kago eo e seka ya senyega ka bonako. A re gape botsogo bo senyonyo, ka jalo go batla ba dira tiro eo ka manontlhotlho le botswerere. health 6 Somarelang tumelo Batswana ba gakolotswe go somarela tumelo ya bone, segolo bogolo ka molao motheo wa lefatshe leno o letla mongwe le mongwe go obamela Modimo ka tshosologo. Mafoko a a builwe ke Mothusa Tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe fa a buisa kokoano ya maloko a khwaere ya kereke ya UCCSA a Broadhurst kwa moletlong wa dijo wa go kokoanya madi, ka Labotlhano mo Gaborone. Dr Kedikilwe a re molao motheo wa lefatshe leno o kgothatsa mongwe le mongwe go rapela ka loleme la ga bone gongwe le gonwe fa a leng teng. Le fa go ntse jalo, a re ga se tumelo fela ele nosi e badumedi ba tshwanetseng go bonwa ka yone. A re ba tshwanetse go bonwa ka ditiro tsa lebole, lorato le bopelotlhomogi le go oketsa bothitho jwa bokaulengwe. Dr Kedikilwe a re tumelo e ba kereke ya Lontone ba e supang ya go kokoannya madi go thusa ba ba tlhokileng lesego ke yone tumelo e e nang le ditiro. A re thotloetso e Batswana ba e fiwang ke molao motheo ya go letlelela ditumelo tse di farologanyeng, ba tshwanetse go e itumelela ga mmogo le gore gongwe le gongwe fa ba kokoanyeng teng mo ditirong tse di farologaneng go nne le neelano. “E re fa le le mo diphitlhong go nne gotwe a ko o ntshe pina ya Wesele foo, ako o ntshe ya Lontone hoo, ya Sione hoo, ya Roma hoo, selo se se sa diregeng gope mo mahatsheng a le mantsi segolo bogolo a gompieno a batho ba bolaanang ka ntata ya tumelo,” ga bua Dr Kedikilwe. Modulasetilo wa UCCSA Synod, Rev. Keneilwe Kgerethwa a re ba motlotlo go boba ikemiseditse go tsaya loeto lwa ditiro tse di molemo. “Botho ke go bona motho yo mongwe a tlhoka mme o nne thuso ya gagwe e e gaufi thata mo tlalelong.” A re o itumelela botho jo bo supilweng ke maloko a kereke ya UCCSA ka jaana ba dumela mo go reng ga ba kake ba itumelela go obamela Modimo fela, ntswa bangwe ba bone ba tshelela mo tshotlegong, ba sena bonno le seriti. Mangwe a maikaelelo a moletlo o, e ne e le go kokoanya madi a a kanang ka P160 000 go agela Mme Kooagile Tshwanelo wa mona-le-bogole ntlo kwa Sefophe, e ba solofelang gore e bo e weditswe ka Sedimontlhole. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Go onala ga dikole go digile maduo a thuto Makhanselara a kgaolo-potana ya Serowe a boletse fa go onala ga dikole le go tlhaela ga matlwana a borutelo go baka kwelo-tlase ya maduo mo kgaolong. Ba buile jalo mo phuthegong ya khansele e e tsweletseng kwa Serowe bosheng fa ba akgela mo puong ya modulasetilo e Rre Lesedi Phuthego. Ba boletse fa ba bone matlhomolapelo dikole di le makgasa, fa mo go tse dingwe bana ba santse ba rutelwa kwa ntle ka fa tlase ga ditlhare fa kwa go tse dingwe ba sukagana. Ba re go tlhaela le go tla thari ga dibuka le gone go na le seabe mo go kgoreletseng bana le barutabana. Ba ne ba bolela fa matlwana a boiteketso a bana e le mathata fela, ba bolela fa mo dikoleng dingwe bana ba ithomela mo dikgweng tse di bapileng le dikole. Matlwana mangwe ga a na metsi fa mangwe metsi a dutla, fa mangwe a sale a senyega mme go sa dirwe sepe. Ba boletse fa letlhoko la matlo a boroko a barutabana le badirelapuso go ngomola pelo ka gore ba bereka fela ka mowa oo kotlometseng. Ba kopile khansele go shafatsa matlwana a borutelo a dikole, ba re mo teng ga matlwana go mahutihuti. Ba re dilo tsone tseo fela ke tsone di dirang gore maduo a dikole a ye tlase. Mo dikgannyeng tse dingwe ba boletse fa ditsela tse di fa gare ga metse di senyegile thata, bogolo jang kwa Serowe. Ba boletse fa ditsela dingwe mo metseng e e bapileng le Serowe di sale di tsenngwa mo lenaneong la ditlhabololo, maikaelelo e le go busediwa mo seemong mme nakokgolo ke eno. Ba buile gape ka letlhoko la ditiro ga banana mo ba ikanyang kwa Ipelegeng le go inaakanya le borukutlhi. Ba boletse fa go diega ga lephata la kabo-ditsha go aba lefatshe la bonno go dira gore jaanong batho ba ikabele lefatshe. Mo go tsa botsogo ba boletse fa melemo e seyo mo dikokelong le gore dingaka di a tlhaela. Ba boletse fa dikokelo dingwe di le makgasa mo go sa siamelang botsogo jwa balwetse. Ba bolela fa sepatela sa Sekgoma se wa marulelo le gore dingaka tsa Batswana ka bontsi di siela kwa mafatsheng a mangwe go batla mahulo a matalana. Mme bangwe ba akgotse mananeo a puso jaaka la banana la YDF ba bolela fa le thusitse bangwe ka go itirela mebereko. Makhanselara ba ne ba kopa modulasetilo go ba kopanya gore ba bereke mmogo ka bongwefela jwa pelo ba beele dipharologanyo tsa sepolotiki tsa diphathi tsa bone kwa thoko. Makhanselara ba boletse fa dipharologano di ka dia ditlhabololo mme batlhophi e nne bone ba bogang. Ba boletse fa makhanselara a a itlhopetsweng ke tona le one a na le ditshwanelo fela jaaka ba ba tlhophilweng kwa dikgaolwaneng tsa bone. Kgaolo-potlana ya Serowe e ne e le la ntlha mo ditsong e nna le makhanselara a kganetso, mme jaanong go kgokgontsha ba ba itlhophetsweng e le selo modiro mo tsamaisong ya khansele ya Serowe. education 4 Temo e ka fokotsa lehuma Kgosi Itekeng Mathangwane wa motse wa Mathangwane mo kgaolong potlana ya Tutume a re go botlhokwa gore batho ba tseye temo ka tlhoafalo ka e ka nna le seabe se se bonalang mo go fokotseng lehuma le gone go ikaega fela mo pusong. Kgosi Mathangwane o buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng a supa fa a sa itumedisiwe ke go bona bangwe ba le maoto a tshupa go ka lema le ntswa go le paka ya temo. A re bagolo bangwe ba ba senang motswedi wa itshetso ba ntse meriti e e tsididi go ka itirela dijo ka temo. Kgosi Mathangwane o kgadile a menne phatla mokgwa o, a tlatsa ka go bolela fa bangwe ba phuagantse masimo ntswa ba na le bokgoni jwa go ka lema. A re bangwe ba go nna jalo ke bone gape ba ba felelang ba tlhoka se ba itshetsang ka sone mme phelelong ba nne morwalo wa puso. Kgosi Mathangwane a re Batswana ba tshwanetse go tsosolosa mokgwa wa go lema o ba itsegeng ka one ka e le one seikokotlelo mo matshelong a bone. A re mosola wa temo ga oa remelela fela mo thobong mme e rotloetsa go ka itirela gape e bipa lehuma mo lwapeng. Kgosi o rotloeditse banana go kgatlhegela temo, a bo a ba gakolola gore ba se nyafalele temo ka e ka fetola matshelo a bone. O ba rotloeditse go dirisa mananeo a akaretsa la ISPAAD le a mangwe a temo ka go farologana ka o tlhalosa gore fa mananeo a a ka salwa morago ka kelelo, a ka dira pharologanyo e e bonalang mo masimong gape a ka tsisa thobo e e nametsang. O tsweletse a supa fa go ikopela dithuso tsa puso go se molato, fela a re sebe sa phiri ke gore bangwe ba nna fela ba sa dire maiteko ape go beilwe fela gore puso e tla tswa ka maano. A re Batswana ba tshwanetse go lemoga fa puso e tshwerwe ka thata ka e intshitse setlhabelo go ba fa ditirelo di akaretsa thuto le kalafi gareng ga tse dingwe ntle le go lopiwa dituelo dipe. Ka jalo a re go botlhokwa gore Batswana ba ikemele ka dinao gonne go ka nna molemo gore e re ba amogela dithuso ka go farologana le bone ba supe fa tse dingwe ba ka di itirela go na le go leta go fiwa fela mo matsogong nako tsotlhe. BOKHUTLO society 9 Monana o kgothatsa ba bangwe go ikwadisetsa ditlhopho Moemedi wa banana mo komiting ya lekgotla le le tsamaisang ditlhopho la Independent Electoral Commission (IEC), e e bidiwang Party Liaison Committee, Rre Thabo Dimeku o kopile banana ba Palapye go ikwadisetsa ditlhopho gore ba kgone go tlhopha mo ditlhophong tsa setshaba monongwaga. Rre Dimeku o ntshitse kopo eo mo potsolotsong le Rre Dimeku yo gape e leng moeteledipele wa lekgotla la banana mo Palapye la The Youth Centre Organisation (TYCO), a re go botlhokwa gore banana ba ikwadisetse ditlhopho, a supa fa go ikwadisetsa ditlhopho go ofa monana mongwe le mongwe sebaka sa go ka tlhopha puso e a eletsang e ka etelela lefatshe pele, gammogo le go tlhopha kemedi ya palamente le khansele. “Go tlhopha ke lentswe la monana mo pusong ka go bo ka tlhopho monana o ka supa gore ene o batla eng le gore o batla lefatshe le tsamaisiwa jang,” a bua jalo. A re o itemogetse gore banana ba maoto a tshupa go ikwadisetsa ditlhopho, mme e bile bontsi jwa bone ba sa ikwadisetsa ditlhopho ka mabaka a a farologaneng. O kaile fa bangwe ba supa fa ba sa ikwadisetse ditlhopho ka gore ga ba ise ba tsee tshwetso ya gore ba ya go tlhopha mang, fa bangwe ba supa fa ba ise ba tsee tshwetso ya go ya go tlhopha. A re ntswa bangwe banana ba ise ba tsee tshwetso ka go tlhopha, go botlhokwa gore mo nakong ya gompieno ba ikwadise ka go bo mo tsamaong ya nako, ba ka fetola megopolo. Rre Dimeku a re go botlhokwa go ikwadiseditsa ditlhopho go na le go tla go ikotlhaya fa ba ka nna le keletso ya go tlhopha mo ditlhophong tsa setshaba ikwadisetso ditlhopho yone e setse e tswaletswe ruri. A re gantsi banana ba supa fa ba sa fiwe sebaka sa gore ba supe fa ba na le boikarabelo, mme ba palelwe ke go tsaya boikarabelo fa ba fiwa sebaka se tshwana le go ikwadisetsa ditlhopho. politics 7 Kgotla e tsholola boikuelo jwa lekgotla Kgotlakgolo ya ditsheko e tsholotse boikuelo jwa lekgotla la kabo ditsha la Batlokwa jwa go batla go ikgatholosa tshwetso ya Land Tribunal, e e neng e laela lekgotla go reetsa morafe. E ne ya re ngwaga o o fetileng Land Tribunal ya laela Tlokweng Land Board go reetsa selelo sa morafe wa Batlokwa mabapi le go aba ditsha di le makgolo a mabedi, masome a robabobedi le botlhano ka khupekhupele, mme lekgotla leo la isa kgang eo kwa kgotleng kgolo ya ditsheko. Mafoko a, a boletswe ke mothusa kgosi ya Batlokwa, Kgosi Michael Gaborone, kwa phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke bogosi bosheng. Kgosi Gaborone o boletse fa Moatlhodi Michael Mothobi a buseditse kgang eo kwa lekgotleng la kabo ditsha gore ba sekaseke dintlha dingwe tse ba neng ba di tlodisitse matlho. O boletse fa ditshenyegelo tsa tsheko di tla duelwa ke lekgotla la kabo ditsha la Tlokweng. Kgang e, e tla jaana morago ga gore morafe wa Batlokwa o ikuele kwa lekgotleng la Land Tribunal mabapi le ka fa ditsha tseo di abilweng ka teng. Le fa go ntse jalo, Kgosi Gaborone o boletse fa ba tshwenngwa ka bana ba ba lwelang boswa jwa batsadi ba bone. O tlhalositse fa bana bangwe ba sa batle bomorwarraabone ba nna le seabe mo bosweng jwa batsadi ba bone. O boletse gape fa bangwe ba rekisa boswa fa ba sena go bo abelwa, a supa se ele go ba tlhabisa ditlhong. O tlhalositse gape fa bana bangwe ba tlhapatsa batsadi ba bone ba ba tlhokafetseng, mme a kaya fa ele bogosi ba ikaelela go fedisa se ka go letsa moretlwa. Mothusa kgosi a re go kgoba marapo go bona batho bangwe ba rekisa ditsha mme ba sale ba iphotlhere ba sena fa ba latsang tlhogo teng. Mo go tse dingwe, mogolwane go tswa kwa Botswana Retired Nurses Society, Mme Mavis Kewakae, o boletse fa ba eletsa go aga motlobo wa dibuka kwa motseng wa Tlokweng mme ba kopa Batlokwa go ba thusa go diragatsa toro ya bone. Mme Kewakae o boletse fa ba tshwentswe ke gore ga gona motlobo wa dibuka mo motseng oo, ka jalo bana fa ba batla go bala ba patelesega go ya Gaborone. O kaile fa ba amogela dithuso dipe fela le yone ya go dira ka diatla, a tlhalosa fa ba na le madinyana mangwe a ba a boneng mme a sa lekana go dira tiro e. E rile ba tswa la bone, Batlokwa ba supa fa ba ka itumela fa tiro ya go nna jalo e ka atlega, ka go sena kwa bana ba bone ba balelang teng. Bokhutlo politics 7 Maphata a aga ntlo Lephata la twantsho matlhoko a leruo le ne le kopane le sekole sa ithutelo tiro ya diatla kwa Bobonong go simolola semmuso tiro ya go agela motlhoki ntlo kwa kgotleng ya Mabumahibidu. Mogolwane mo ofising ya lekalana la twantsho matlhoko a leruo, Mme Baithamaki Otlaadisa, a re mogopolo o o dule ka banana ba Tirelo Setshaba ba ba direlang mo lephateng la bone. Mme Otlaadisa a re morago ga go atla mogopolo ba ne ba itshwaraganya le sekole sa ithutelo tiro ya diatla go bona gore mogopolo o o a diragadiwa. Fa a tswa la gagwe mogokgo wa sekole sa ithutelo tiro ya diatla, Mme Masego Morima o ne a supa fa tirisano mmogo fa gare ga sekole sa gagwe le ba lephata le, e le botlhokwa thata ka e gateletse se lefatshe le le ikaegileng ka sone, e leng go nna pelo e e bonang letlhoko la yo mongwe mme e leke go tokafatsa seemo. O ne a lebogela gore ba lephata la twantsho matlhoko a leruo ba bo ba bone go tshwanela go ikgolaganya le bone, a tlhalosa fa se se neela sekole sebaka sa gore baithuti ba supe se ba ntseng ba se rutwa kwa sekoleng. Mme Morima o ne a kaya gape fa ntlo e ya dikamore tse pedi, e supa fa sekole sa gagwe ga mmogo le ba twantsho ya matlhoko a leruo ba dirisana mme e bile ba supa maiteko a go dirisana le setshaba. society 9 Tshegetsang serodumo sa kereke Maloko a kereke ya Head Mountain of God Apostolic Church in Zion ba gwetlhilwe go tswelela ba tshegeditse serodumo sa kereke eo sa go tshwaragana le go dira dilo ka tolamo. Fa a bula semmuso moletlo wa kereke eo wa go ipelela dingwaga tse di masome a ferabobedi e le teng, mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare, Rre Molebatsi Molebatsi o ne a akgolela maloko go bo kereke ya bone e goroga kwa dingwageng tse di kalo e ise e ko e tshabelelwe ke dihawa A re bontsi jwa dikereke di na le go tshabelelwa ke go thubega, mo dingwe di sa kgoneng go goroga le gone kwa dingwageng tse tlhano, fa tse dingwe di tshela ka go nna di letlanngwa kwa makgotla tshekelong. Ditso di supa fa kereke ya Head Mountain of God Apostolic Church in Zion, e mo nakong eno e leng ka fa tlase ga ketelelopele ya ga Moruti Norman Muzonda, e simolodisitswe ka ngwaga wa 1939 ke moswi Moruti Smart Mthembu, mme go tlhalosiwa fa e sale go thaiweng ga yone le jaana e itsetsepetse. Mopalamente Molebatsi a re seo, ke sesupo sa gore e thailwe ka motheo wa motia e bile gape go supa fa maloko a yone a ithulaganya sentle, mo leloko lengwe le lengwe le tlhaloganyang boikarabelo jwa lone, go tila dikgang tsa go lwelwa ga maemo tse gantsi e leng tsone di kgoberang dikereke. O tsweletse a bolela fa ditshekatsheko di supa fa madi e le mmaba mogolo o o bakang go nwela ga dikepe mo dikerekeng, a re ka jalo go botlhokwa gore gangwe le gape Maloko a nne a fiwa dipego tsa madi. Rre Molebatsi o ne a ba gakolola go dirisa madi ka fa tshwanelong, a bo gape a ba thaba podi matseba go itirela mananeo le go nna le tebelopele ga mmogo le go nna ba itshekatsheka, ka go dira jalo ka ba thusa go fitlhelela maikemisetso le dikeletso tsa bone. A re Maloko a kereke eo, ba tlhaloganye fa bokamoso jwa yone bo le mo maruding a bone, a ba gwetlha bogolo jang banana go ema ka dinao go kwatabolotsa ditso tsa kereke eo, mo bangweng ba ba tshidileng le matlhami wa yone. Rre Molebatsi o ne a supa fa go le botlhokwa gore ba kwale ditso tsa kereke gore di sireletsege go ka fetisediwa kwa dikokomaneng tsa kereke tse di tlang kwa morago. Mo go tse dingwe, mopalamente Molebatsi o ne a kopa Maloko a Head Mountain of God Apostolic Church in Zion go eteletsa lorato kwa pele, a re ba bulegela le go amogela batho botlhe mo kerekeng ya bone, ba sa lebelele popego kgotsa diemo tsa bone. A re dikereke di tshwanetse tsa supa botlhokwa jwa boleng teng jwa tsone ka go thusa puso ka metlhale e e farologaneng, jaaka go fetola boitshwaro jwa batho, go thusa ba ba tlhokileng Lesego mo botshelong le go neela bogakolodi fa go tlhokegang teng. Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa Head Mountain of God Apostolic Church in Zion, Moruti Muzonda o boletse fa motlhai wa yone e ne e le motho yo o ineetseng ebile a le lorato, ka moo maloko a tshwanelwa ke go gata mo dikgatong tsa gagwe, gore ba kgone go fenya tsotlhe le go kgona go diragatsa tse ba di eleditseng. Moruti Muzonda o ne a kopa phuthego ya gagwe gore e tiise mo go rereng efangele ya Modimo nako e santse e ba leta. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Ba Grootlagte ba sola lenaneo molemo Mme Gonxlea Tsaa, monni wa Goortlagte ke mongwe wa ba ba nnileng lesego mo dithusong tsa mananeo a puso ka go abelwa dikgomo ka lenaneo la RADP (Remote Area Development Programme). O tlhaloseditse ba BOPA mo potsolotsong fa se setla morago gago ikuela kwa lephateng le le le maleba, mme a fiwa dikgomo di le tlhano, tse mo nakong enodi atileng go nna supa. “Di le tharo di ne di dusa mme tse pedi tsa kgona gotsala fa e nngwe e ne ya jelwa namane kwa nageng” ga bua jalo Mme Tsaa yo o dingwaga tse di masomemararo le bobedi . Are mo bogompienong dikgomo tsa gagwe di nna kwamorakeng kwa tlase ga tlhokomelo ya ga monna wa gagwe. O ne a supa fa dikgomo tseo di mo thusa felathata ka a se ke a lala ka tlala gape kaya fa a dirisa boloko jwa dikgomotseo go baakanya ntlo ya gagwe. Ere ka go sena fa dikgwetlho di eteng di tlhokafale teng, Mme Tsaa are o tlhokamadi go ka ya go dira tshipi e e tshwayang leruo mme ebile a santse a palelwake go ka tshwara sentle mebala ya dikgomo tsa gagwe. A re maikaelelo a gagwe ke go rekasekotsekara se se tlaa mo thusang mo lwapeng a supa se se ka mo tlhofofaletsaditiro tsa gagwe. Goortlagte ke motse o o dikhilomithara tse dimasome a a ferang bobedi go tswa Ghanzi. Mme mongwe wa banni, Rre Qisee Kadonse wadingwaga tse di masome a mane le boraro yo e bile e leng mo-na-le-bogole, le ene o tlhalositse fa a itumelela thusoe a e filweng ke ba lephata la RADP. Are o ne a abelwa dikgomo di le tlhano ka ngwaga wa 2014 mme mo bo gompienong a busetswa morago ke bokoa jo bo mo ketefaletsang go tsamaya ka ebile a sena Banana le bone ba bo ba sa salela kwa morago. Rre Mompoloki Monageng wa dinwaga tse di masome mabedi le borataro o ne a thusiwa ke ba lephata la nyeletso lehuma mo Ghanzi ka go mo abela dikoko di le masome amararo le bosupa tsa Setswana. A re o abetswe dikoko tse kangwaga wa 2013 mme mo nakong ya gompieno di le masome mararo le borataro, atlhalosa fa a rekisitse tse dingwe selo se a supileng fa se mo tsisetsa dijo molwapeng. A re kgwetlho e a nang nayo ke gore dikoko tsa gagwe difetswa ke dibatana bosigo. “Ke tshwenngwa ke dibatana le dintsa tsabatho, ka gore di epa hoko bosigo mme dije dikoko” seo sa tshwaelwa ke RreMompoloki. Rre Mompoloki le ene a bo a tletsemonyenyo fa a supa fa dikoko tsa gagwe di rekwa ka bontsi, jwa batho mo Ghanzi. society 9 Banni ba ikuela mo mopalamenteng wa kgaolo Banni ba motse wa Makwate mo Kgaolong ya Mahalapye ba ikuetse mo go mopalamente wa bone ebile e le mothusa tona ya dikgaolo le ditlhabololo tsa magae, Mme Botlogile Tshireletso fa ba tla dika ba sa roba sepe. Se se builwe ke modulasetilo wa komiti ya Ditlhabololo wa motse Rre Solly Senamo fa a ne a lekodisa kwa phuthegong ya kgotla ka mafelo a beke.Rre Senamo o boletse fa ba sena go ora molelo wa mariga ba nonne pelo, mabaka e le letlhoko la pula go ka godisa temo ya bone. O tlhalositse fa go nnile le dibetso tsa tlholego, a re go nnile le dipula tse di boutsana, mme letsatsi le lone le iphile maatla.O ne a re, e kare ga go a lekana, mo go neng go mela, dinonyane tsa tlhaga di iphile matla. Mo go tse dingwe, Rre Senamo o ne a ikuela ka letlhoko la boroko jwa bodirelapuso mo motseng. O ne a tlhalosa fa barutabana ba sekolo potlana ba le lesome le bosupa mme matlo a le borefabongwe se se dirileng gore ba bangwe ba kope boroko mo motseng. Fa a tswa la gagwe, Mme Tshireletso yo ebileng a leng moplamente wa kgaolo, o ne a kopa morafe go inaakanya le mananeo a nyeletso lehuma go tila tlala le leshekere. O ne a tlhalosetsa morafe gore go mananeo a okametsweng ke ba Lephata la Boipelego a akaretsa go dira: jeme,marotho, moriri, go apaya, go hirisa ditente, thuo ya dinotshe, tshugo ya matlalo, go roka mme ka jalo a kopa botlhe go a tsenelela go ka intsha mo tlaleng. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Borukutlhi bo keketse kwa Maun Mookamela kgaolo ya sepodisi ya District No.5 officer commanding, Senior Superintendent Peter Gochela a re ga a itumedisiwe ke go oketsega ga dikgang tsa go gobatsa ba bangwe tse gantsi di felelanfg bangwe ba robaditswe kwa kokelong. A re koketsego eo e a tshwenya ka go re go ka felela go baka polao. O boletse mo potsolotsong gore fa esale ngwaga o simologa, ba gatisitse dikgang tse dintsi tsa titeo le go gobatsa, a tlatsa ka go re gantsi ba ba gobaditsweng ba bolela gore ga ba itse se ba se iteetsweng e bile ba sa itse gore ba iteilwe ke bomang. Senior Superintendent Gochela o ne a baya sekai ka ditiragalo dingwe tse di diragetseng ka bofelo jwa beke fa monna wa dingwaga tse 24 a ne a tlhaselwa a ba a itewa ke monna yo o sa itseweng kwa kgotleng ya Boseja fa a ne a le kwa moletlong wa dijo le dino. Tiragalo eo ke ya Matlhatso ka nako ya borobabongwe bosigo mme monna yo o neng a tlhasetswe o ne a tlhajwa ka sengwe se se bogale mo mpeng mme a fitlhelwa ke ditsala dingwe tsa gagwe a bidikama mo mading kwa ntlong ya gagwe. A re ditsala tseo tsa gagwe di ne tsa mo ragosetsa kwa kokelong ya Letsholathebe II Memorial kwa a fetileng a robadiwa teng. Tiragalo e nngwe ke e monna wa dingwaga tse 48 wa kgotla ya Boseja/Kubung yo o neng a tlhaselwa ke banna ba le babedi ka rootane ya tshipi fa a robetse mo ntlong ya gagwe. Senior Superintendent Gochela a re bobedi joo bo ne jwa senya lebati la ntlo ya rre yoo mme ba tsena mo ntlong ya gagwe ka dikgoka mme ba feta ba mo itaya. Tiragalo eo e diragetse ka makuku a naka tsa kgomo ka tsatsi la Tshipi. Le fa go ntse jalo, ka maiteko a go itebaganya le seemo seo, mookamedi yoo wa mapodisi a re e tlaa re mo bogaufing, ba tsamae ba ruta setshaba mme ba ikaelela go kopana le dikgosi go ba thusa go anamisa molaetsa. Senior Superintendent Gochela a re o dumela gore dikgosi ke bone batho ba ba tshwanetseng go buisanya le merafe ya bone gore ba itshware sentle, a tlatsa ka go re selekanyo se go gobatsanwang ka sone se a tshwenya ka se busetsa kwa morago maiteko a go lere kagiso le thitibalo mo metseng. A re batho ba tshwanetse go tlhaloganya gore go betsa motho ke molato o motho a ka o atlholelwang dikgwedi tse supa mo kgolegelong. A re ba dumela gore ka go ruta setshaba ba ka kgona go isa molaetsa o o nonofileng kwa dirukutlhing gore di tlhaloganye gore titeo ke molato o o otlhaelwang ka fa molaong. E re go sale foo, mapodisi a bone marapo a go belaelwang e le a motho. Senior Superintendent Gochela o tlhomamisitse tiragalo eo, a tlatsa ka go re marapo ao a ne a bonwa kwa sekgweng gaufi le motsana wa Habu mo kgaolong ya Okavango. O boletse gore marapo ao a ne a bonwa ke monna mongwe yo o neng a batla dikgomo tsa gagwe. Mo nakong eno, marapo ao a santse a ile go tlhatlhojwa crime_law_and_justice 1 Monna o jelwe ke molelo Monna wa dingwaga tse 62 wa masimo a Mogatsapoo o latlhagetswe ke botshelo ka Mosupologo morago ga go fiswa ke molelo mo ntlong e a neng a robetse mo go yone. Mo potsolotsong le BOPA Mothusa mookamela mapodise a Serowe Rre Bopelo Ntatiwa a re moswi, yo o tllholegang kwa motseng wa Motshegaletau, o ne a goditse molelo mo ntlong e a neng a robetse mo go yone. A re ka ntlo eo e ne e agilwe ka dipolaseteke, go lebega di ne tsa kapa molelo o o neng wa jwelelela kwa borulelong. Rre Ntatiwa a re bana ba moswi ba ba neng ba robetse mo ntlong e nngwe ba ne ba bona molelo mme ba kua rre yoo gore a iphalotse. “O ne a tswa mo teng ga ntlo ntswa molelo o ne o setse o mo amile. Ba mo tshela metsi go tima molelo. Mathata o ne a gana go ya kokelong,” Rre Ntatiwa a re rre yoo, o ne a ya go robala kwa ntlong e nngwe mme ya re ka Mosupologo bana ba fitlhela a tlhokafetse, go supafala fa molelo o mo amile. A re ba ne ba begela mapodise morago a isiwa kwa sepatela kwa go neng ga rurifadiwa fa a tlhokafetse. Rre Ntatiwa o ne a re batho ba ikele tlhoko, mme e bile ba seka ba gotsa melelo mo ba robalang mo teng ka se, se le borai. O ne a gakolola batho go begela mapodise fa go na le ditirafalo tsa mohuta o, a re go botlhokwa fa mapodise a ne a begetswe ba ka bo ba bone gore moswi o ya sepatela, selo se gongwe se ka bong se mo thusitse go tshela. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Ba Tsetsebye ba abetswe mpho e e botlhokwa E rile bosheng, mopalamente wa Bobirwa Rre Shaw Kgathi a abela motse wa Tsetsebye caravan e e tla dirisiwang go fokotsa mosuke wa badiri ba kgotla ya motse oo. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo, Mopalamente Kgathi o rotloeditse banni go tla ka megopolo e e ka thusang go tlhabolola kgaolo ya bone, a supa fa go na le kgang ya moruthutha kwa palamente ya go ratana ga bong jo bo tshwanang ka jalo a kopa dikgakololo mo go bone tebang le kgang eo. O tsweletse a gakolola banni go lema ka ditselana gore ba tle ba kgone go ntsha thobo e e nametsang le gone go ka e rekisa fa ele ntsi thata. E ne e rile go le pele a amogela baeng, Kgosi ya Tsetsebye, Rre Dialwa Motsamai a supa fa tlhwatlhwa ya go reka kgetsi ya P80.00 e le nnye fela thata jalo go dira gore ba seka ba rekisa mme jaanong mo nakong eno mabele a bone a jewa ke tshupa. Kgosi a re o tshwenngwa ke gore banana ga ba dirise mananeo a ba afiwang mme o dumela gore fa a ne a dirisiwa ke bagolo, lefatshe leno le ka bo le gatetse pele go sena mohumanegi. O akgotse dicluster fela thata a tlhalosa fa di thusa mapodise ka botswapelo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Go tlogela sekolo ga bana go ngomola pelo Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Selolwane kwa Tutume, Rre Tobokani George a re sekole se lebanwe ke dikgwetlho tsa baithuti ba ba tshabang sekole, mangwe a malwapa a go santseng go titielwa majalwa a Setswana le letlhoko la matlo a boroko a barutabana. Rre George o ntshitse matshwenyego a gagwe ka letsatsi la kabo dimpho kwa sekoleng seo bosheng. A re seemo sa bana ba ba tlogelang sekole ba ya go nna kwa merakeng se ne se ngomolapelo mo a ne a patlelesega go bitsa botsamaisi jwa sekole, batsadi le bogogi jwa motse go tshwaraganela kgang eo. O ile a bolela fa a kgona go dirisa koloi ya gagwe go latedisa bana bao a re maduo a setse a tswa tema ka palo e setse e fokotsegile. A re kgang e e tshwenyang ke ya diletso le majalwa a a santseng a titielwa mo malwapeng a re seo se ama baithuti ka ba felela ba raelesega gape go ama maduo a bone a sekole. O tsweletse a bolela fa bothata jo ba kopanang najo e le jwa baithuti ba ba nnang le bagodi mo malwapeng a re bana bao ga ba kgone go dira tiro ya sekole ba nna batla ba sa dira ka bagolo ga ba kgone go ba thusa. Mogokgo o ile a tlhalosa fa sekole se tsweletse sentle mo maduong a lekwalo la bosupa, a solofetsa batsadi fa ba ikaeletse go dira go feta foo mo maduong a mono ngwaga. A leboga kemonokeng le tshwaragano ya batsadi le barutabana le bangwe ba ikgetletseng go thusa sekole. Rre George o ne a sedimosetsa batsadi fa ba ne ba etela balemi barui go ruta bana ka tsa temo – thuo ka ba ne ba lemogile fa baithuti ba ne ba sa dire sentle mo dithutong tseo mme seo se ne sa ba berekela ka ba setse ba fenya ka matshwao a a kwa godimo. Sebui sa sa tlotla, Rre Kerileng Thamae yo o tlogetseng tiro ka bogodi a le mo lephateng la temo-thuo o ne a gwetlha baithuti go inaakanya le thuto ya diatla ka ke yone thuto e e ka ba betlelang isago. Rre Thamae o ne a tlhalosa fa dialogane di saila le mebila ba ba tseneng dikole tse tsa thuto e e seng ya diatla, a re ba ba ithutetseng tiro ya diatla ga ba na go sokola go bona se ba ka se isang kwa maleng. A gatelela ka gore mafatshe mangwe a tlhabolotswe ke batho ba one ba ba dirang tiro ya diatla. A re gape seo se tlaa fokotsa letlhoko la ditiro. Fa a itebaganya le batsadi o ile a ba gwetlha go tshwaraganela tiro ya ngwana ya sekole le barutabana. O boletse fa motsadi e le pinagare ya thuto kana medi le thito ya setlhare fa bana e le dikala tse di rweleng maungo a a tsogang a jesa setshaba. Ka seo, a re gore setlhare seungwe se tshwanetse sa bona tlhokomelo e e tshwanetseng gore se kgone go ntsha maduo a a nang le boleng, ka jalo a ba kgothatsa go nna le seabe le gtlhokomelo mo baneng ba bone. Rre Thamae o ile a galaletsa barutabana ba sekole seo sa Selolwane ka ba tshwaragane le batsadi le batho mo motseng. O akgotse tirisano e ntle eo. O ne a abele sekole seo madi a kanaka P2000. BOKHUTLO education 4 Dikgakolo tsa balemisi di siametse temo Balemi ba kgotla ya Magapatona kwa Tutume ba rotloeditswe go tsaya dithuto tse ba di fiwang ke balemisi ka tlhwaafalo gore ba bone thobo e e botoka. Thotloetso eo e ntshitswe ke molemi wa Selolwane, Mme Bokani Moalosi ka letsatsi la go ipelela thobo ke balemi ba kgotla ya Magapatona kwa Tutume ka Laboraro. Mme Moalosi a re go lema ka ditselana, go tshela menontshane le go ntsha mhero ke dintlha tse di ka neelang molemi maduo a a nametsang. A re dipaka tsa ngwaga di fetogile ka jalo ga go sa tlhole go tshwana nako ya bogologolo mo go neng go na le dipula tsa medupe ka jalo ba tshwanetse ba diragatsa methale yotlhe e ba e bewang pele ke balemisi le puso. O ne a kgothatsa balemi bao go nna tsebe ntlha go segela tsebe se puso e se tsisang mabapi le temo ka se puso e se dirang e ya bo e dirile dipatlisiso go bona gore a selo seo se ka nna le maduo ka gape go itebagantswe le diphetogo tsa loapi. Mme Moalosi a re moono o o reng go amogela maranyane ke bontlha bongwe jwa go bona thobo e e nametsang o tiisa balemi moko gore ba tsamaelane le diphetogo tsa dipaka gore ba kgone go bona maduo a a botoka. O tsweletse a tlhalosa fa mo ngwageng o o neng o feta wa temo o dipula tsa teng di neng di le boutsana, ene ka go sala ditaelo tsa balemi o kgonne go roba dikgetsi tsa mabele di le makgolo mabedi le lesome, lebelebele dikgetsi di le masome mararo, manoko dikgetsi di le lesome le borobabobedi fa ditloo le dinawa a bone dikgetsi tse thataro ka go latelelana. A re o na le dingwaga tse tlhano a lema ka kitso e a e amuleng mo balemising e bile ka ngwaga o monamagadi o ne a kgona go roba dikgetsi tse di makgolo matlhano mme ka dipoelo tsa thobo eo o kgonne go reka tshukudu ya temo go tsweledisa temo ya gagwe. Mme Moalosi o ne a kgothatsa balemi go tswelela ka temo ka e le selo sa sennela ruri e sa fele jaaka ditswammung di tshwana le teemane le yone tiro tota mme o ne a kopa go rotloetsa banana go kgatlhegela temo le go gweba ka yone. Molemisi wa Magapatona, Rre Gosetsemang Koitheng a re maikaelelo a letsatsi e ne e le go kopana e le balemi ba kgotla eo go sekaseka gore thobo ya bone e tsamaile jang le go itshekatsheka go tla ka ditharabololo go baakanya fa dilo di sa tsamayang sentle teng go ipaakanyetsa temo e e tlang. Rre Koitheng a re dipaka di fetogile ka jalo ka bokopano joo ba lekodisana gore tsela pedi ba tsaya efe e e tlaa itepatepanyang le seemo sa nako eo sa komelelo. O boletse fa thobo e sa ntse e le kwa tlase thata mme balemi ba sa kgone go fitlhelela kwa selekanyong sa go ntsha dijo se lefatshe le se batlang. Gape o ne a supa fa balemi ba Magapatona ba sa leme dinawa ba lema fela mo go felelang mo tlatlaneng. A re gape le temo ya nawa ya lablab e sa ntse e le kwa tlase, mme a ba kopa go lema lablab ka dipalo tse di kwa godimo ka le yone peo ya yone e a tlhaela ka lebaka la gore ga e lengwe thata mo kgaolong eo. economy_business_and_finance 3 Borukutlhi bo a tshwenya Mogolwane wa mapodisi a Bobonong, Rre Paul Seoko a re o tshwenngwa ke dikgang tsa go thubiwa ga matlo tse di diragalang kwa motseng oo. Mo potsolotsong bosheng, Rre Seoko o supile gore bosheng go ne ga thubiwa matlo a le mabedi mo motseng oo mme ga utswiwa megala ya letheka. Rre Seoko o kaile fa go thujwa ga matlo mo kgaolong e, e se selo se se tlwaelesegileng mme go ka dirang gore baagi ba nne ka letshogo fa go ka tswelela. E re dikgang di e mme jalo, Rre Seoko o kaile fa mo tiragalong e nngwe rre mongwe wa Bobonong a ikgapetse botshelo morago ga go betelela mme wa tsala ya gagwe. A re dikgang tsa petelelo di ile magoletsa mo kgaolong ya gagwe mme a kopa setshaba go di bega ka bonako gore se kgone go thusiwa. Mo tiragalong e nngwe, Rre Seoko a re go fitlhetswe rre mongwe a tlhokafetse kwa Lepokole mme ga go ise go bonwe se se ka tswang se bakile leso la gagwe le fa go ntse jalo o boletse fa ditlhotlhomiso tsa ba sepodisi di santse di tsweletse. crime_law_and_justice 1 Ba rotloeditswe go tsena sekole ka botswapelo E rile ka Mosupologo (05/01/2014) baithuti ba ba yang go dira mophato wa ntlha kwa sekoleng se segolwane sa Mphuthe kwa Letlhakeng, ba bo ba le mo dipuisanong ka tsa sekole gammogo le batlhokomedi ba bana. E rile a bua kwa puisanong eo e e tshwarwang letsatsi pele ga dikole di bulwa, Mogokgo wa sekole seo, Rre Domi Motlhanke a kopa baithuti ba ba tsileng go simolola mophato wa ntlha kwa sekoleng seo go tsaya thuto ka tlhwaafalo. Rre Motlhanke o kaile fa bontsi jwa baithuti ba sekole sa gagwe ba sa tsene sekole sentle mme go sena mabaka ka jalo a kopa bao ba mophato wa ntlha go tsena sekole ka botswapelo ka sekole e le selotlele sa botshelo. O tsweletse a supa fa mo ngwageng o o fetileng baithuti ba sekole sa gagwe ba tshwara makgolo a mabedi (200) ba ne ba sa ya sekoleng pele ga malatsi a boipuso a goroga le gone go ikokeletsa malatsi one ao a boitapoloso a boipuso. Are e le baeteledipele ba sekole ba ne ba tshwanelwa ke go busetsa baithuti bao go ya go tla le batlhokomedi ba bone go tla go tlhalosa mabaka a gore ke eng ba ne ba sa ya sekoleng. O kaile fa batlhokomedi ba baithuti bao ba ne ba palelwa ke go ntsha mabaka a a nonofeling a go tshaba sekole ga bana ba bone. Ka jalo Rre Motlhanke o ne a kopa le batlhokomedi go tsaya thuto ya bana ba bone tsia ka jalo e le yone e tlaa tsogang e ba tshetsa. Fa a tswelela Rre Motlhanke o ne a tlhalosetsa baithuti le batsadi fa ba na le letlhoko la didirisiwa jaaka mantlwana a borutelo se a reng se feletsa se ba gwetlha go dirisa meriti e e agilweng mo sekoleng (outdoor teaching area) le ditlhare go rutela bana mo go tsone ka palo ya bana ba mophato wa ntlha e le bone ba leng bantsi ka palo. O tlhalositse fa gape ba na le go nna le letlhokao dipampiri tse baithuti ba kwalelang ditlhatlhobo mo go tsone mme se ba tse tsotlhe ba setse ba di lebisitse lephata la thuto ka jalo ba letile ka pelotelele gore ba thusiwe dieemo tse. Rre Motlhanke o ne a tswelela ka go tlhalosetsa batsadi le batlhokomedi ba baithuti gore bana ba bone ke diteemane tse di tlhokanang le go somarelwa mme a tswelela ka go kopa batlhokomedi le batsadi go ba itsise ka letlhoko la bone mo thutong ya bana gore ba tle ba thuse fa ba kgonang teng. BOKHUTLO education 4 Setshaba se ngamela madi a mmele Makhanselara a Bokone Bophirima a gwetlhilwe go anamisa melaetsa e e itebegantsneg le go rotloetsa morafe ka kakaretso go aba madi a mmele. Mooki, Mme Pinkie Ramosabego o ikuetse jalo fa a lekodisa khansele ka botlhokwa jwa go aba madi a mmele. A re ba lemoga fa morafe mo kgaolong ya Ngami o le maoto a tshupa go aba madi a mmele le ntswa puso e dirile maiteko go ba atumeletsa ditlamelo. A re e sale ka ba bula lekalana kwa Maun, ga ba ise ba filthelele seelo se ba se ipeetseng ka jaana batho ba tla ka dipalo tse di boutsana go aba madi. O ikuetse mo makhanselarang go ba tswa thuso a supa fa maiteko a ba botsogo a sa tswe tema le ntswa ba tsweletse ka go ruta setshaba ka botlhokwa jwa go aba madi. Mme Ramosabego a re ba e peetse seele sa go kokoanya dipaente tsa madi di le lekgolo mme mme go sa ntse go pala ka ba bona dipalo tse di ko tlase. O supile fa lekalana le butswe ngogola ka Lwetse mme a kaya fa ba ne ba amogela dipante di le masome a mane le boferabongwe , ka kgwedi ya Phalane tsa nna masome a mane le borataro, Nganatsele tsa gola ka ba boen di le amsome a supa le borataro mme Ka Sedimonthole tsa wela tlase sa nna masome a mararo le botlhano. Ngwaga ono ka Hirikgong gone ba amogetse di herabongwe fela mme ka Tlhakole tsa nna masome a matlhano le botlhano. O tlhalositse fa go aba madi a mmelego tlhokega ka jaana bontsi jwa batho ba latlhegelwa ke madi a mantsi mo dikotsing tsa tsela fa bangwe e le ka ntlha ya pelegi. A re go nna le dintso tse di kwa godimo ka ntlha ya tlahelo ya madi a tlatsa ka gore fa motho a dirwa learo o tlhoka go tshela dipante tsa madi diferabongwe. Mme Ramosabego o boletse gape fa masea mangwe a tsholwa ka madi a a bokoa ka jalo go tlhokega gore madi ao a emisediwe ka a a phepha. A re madi ke molemo ka jaana a boloko matshelo a batho ba le bantsi mme a kopa morafe go ititaya ka thupana go aba madi ka dipalo tse di kwa godimo. A re motho yo o abang madi o tshwanetse abo a le dingwaga di lesome le borataro go ya kwa godimo, a se mo kalafing epe ka jaana ba batla madi a a babalesegileng. O tsweletse are motho o tshwanetse a bo a le boketse jwa 50kg, fa e le mme o tshwanetse gore a bo a se mo malatsing. Mme Ramosabego a re borre ba ka aba madi gane mo ngwageng fa bomme bone ba ka aba ga raro fela. Kwa bofelong o supile fa kabo madi e le boithaopo mme go se ope yo o pateletswang. Fa ba mokgwa dikgaba, bangwe ba makhaselara ba en ba supa fa batho ba ba golo ka bontsi ba tshabelelwa ke dilthabi ka jalo ba rotloetsa lekalana leo go inaakanya le bana ba dikole. Ba re bana ba sa ntse ba itekanetse ka bontsi ka jaana bontsi bo se mo kalafing epe. Bangwe ba ne ba botsa ak ditlamorago tsa go aba madi ba kaya fa go na le tumelo ya gore motho o ka felela a tlhokafetse morago ga go aba madi. Fa a tsibogela dikakgelo tseo, Mme Ramosabego o tlhalositse fa go na le puisanyo e e dirwang pele ga motho a ka aba madi mme moabi o tlamega go bua boammaruri fela . A re bangwe ba fitlha nnete mme gantsi bao ba aba ba le ka fa tlase ga kgatelelo ya dinotagi mme morago motho a nne le sedidi.Bokhutlo health 6 Moeteledipele o kopa dikereke tsa semoya go ema puso nokeng Moeteledipele wa dikereke tsa semoya, Rre Phillimon Motlhagodi o rotloeditse dikereke tsa semoya go ema puso nokeng mo ntweng kgatlhanong le kanamo ya mogare wa corona. Fa a buisa baruti le boeteledipele jwa dikereke tsa semoya kwa kgaolong-potlana ya Mahalapye ka Labone, Rre Motlhagodi o tlhalositse fa a dule letsholo go tlhola dikereke tsa semoya, go netefatsa gore di diragatsa ditaelo tsa ba botsogo kwa dikerekeng go kganela kanamo ya mogare wa corona. Rre Motlhagodi o akgotse Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi, khuduthamaga ya gagwe gammogo le lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go lwantsha kanamo ya mogare wa corona, maiteko a bone go lwantsha kanamo ya mogare wa corona mo lefatsheng leno. “Re a bona re le dikereke gore mogare wa corona o tsere taolo. Ka jalo, boeteledipele jwa lefatshe gammogo le ba botsogo ga ba kake ba kgona ntwa kgatlhanong le kanamo ya mogare ba le nosi. Re tshwanetse ra lemoga maiteko a bone, ra tsiboga ka fa re kgonang ka teng go ema puso nokeng,” Rre Motlhagodi a supa. O rotloeditse baruti go rapelela boeteledipele jwa lefatshe, badirelapuso, bogolo jang ba tsa botsogo le babegadikgang a re bodiredi jo, bo tshwanetse jwa akgolelwa ditiro tsa bone tse di ka nnang tsa ba tsenya mo diphatseng ka ba intshitse setlhabelo go babalela setshaba kgatlhanong le mogare wa corona. “Mo godimo ga moo, re tshwanetse ra rurifatsa gore ka dinako tsotlhe fa re kopane re le dikereke, go na le ditsayamegote, molora le metsi a a tlhapang diatla kgotsa O kopile baruti gore ba tlhodumele dikereke tse ba di eteletseng pele go netefatsa gore di obamela ditaelo tsa botsogo, a re o utlwaletse gore dikereke dingwe di a tsena ntle le go phepafatsa dikago mo go tseneletseng jaaka fa ba botsogo ba gokalotse. A re go dira jalo ga se tsamaiso ka go ka tsenya matshelo a maloko mo diphatseng. Rre Motlhagodi, yo gape e leng modulasetilo wa Botswana Network of Christian Community, o kopile a bo a rotloetsa maloko a dikereke tsa semoya mo Botswana gore ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi a le masome a mabedi le borobabobedi ba itime dijo mme ba tsene mo thapelong kgatlhanong le mogare wa corona le dikgwetlho tse di aparetseng lefatshe leno. health 6 Phala e senang phalana e thusa bagodi Modulasetilo wa komiti ya mokgatlho wa boithaopo e e tlhokomelang bagodi, Mme Tsholofelo Letshoo a re ba ititeile sehuba go thusa bagodi ba Mogobane le metse e e mabapi e tshwana le Ntlhantlhe, Magotlhwane, Lekgolobotlo le Otse. Fa a bua mo potsolotsong le Mokgatlho, o setse o kwadisetse bagodi ba le 120 go tswa mo metseng e e farologaneng, a tlhalosa fa ba le 45 e le ba-na-le bogole, mme bontsi e le bomme, fa bangwe e le ba ba godileng, e bile ba sa kgone go itirela sepe. O tlhalositse fa ba kwadisa bagodi ba ba dingwaga tse di 65 go ya kwa godimo, a tlhalosa fa mogodi yo motona yo ba setseng ba mo kwadisitse e le wa dingwaga tse 105. Mme Letshoo o tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go thusa bagodi go lwantsha bodutu. O tlhalositse fa ba bone go le maleba go tlhama mokgatlho o gonne bagodi ka bontsi ba nna mo kgatelelong ya maikutlo. “Mogodi fa a nna a le nosi o bolawa ke bodutu, mme a tlelwe ke boitlhobogo. Re itemogetse gore gantsi bagodi ba nna ba le nosi fa bana ba ile dikoleng le meberekong. Bontsi jwa bagodi ba nwa dipilisi ka lebaka la malwetse a a farologaneng, ka jalo fa ba le nosi ga ba kgone go di nwa sentle, le go ja ga ba je sentle.” A re go botlhokwa gore bagodi ba fiwe tlhokomelo gore ba kgone go nna le botsogo jo bo lolameng. A re ba itemogetse fa ngwao ya Setswana e nyelela, a tlhalosa fa ba tlaa anywa ngwao mo bagoding bao, mme ba e somarele go e ruta dikokomane tse di tlang. Mme Letshoo a re fa ba beile bagodi golo go le gongwe, ba tlaa ba fa dikgakololo di tshwana le tlhokomelo ya lonyalo gore lo seka lwa thubega, peo ya botsetsi, meila gareng ga tse dingwe. O buile gore fa bagodi ba le mmogo ba ntshana bodutu, ba opela dipina tsa bogologolo, ba ikgopotsa ditiro tsa bogologolo, ba tshega ba itumela mmogo. A re go nna mmogo ke tsela nngwe ya go lwantsha kgatelelo ya maikutlo le bodutu, ka go tshega le go itumela go thamisa pelo. “Re na le setsha, ntlo ya rona ga e ise e fele go setse go rulela fela. Le fa ntlo ya rona e ise e fele, ditirelo tsotlhe tsa mokgatlho re di tshwarela mo setsheng sa rona. Ka mokgatlho wa rona e le wa boithaopo, rona maloko re simolotse re ntsha makgolo a matlhano re ikwadisa.” O tlhalositse fa ba tlholela bagodi kwa malwapeng gonne ntlo ga e ise e fele. O tlhalositse fa ba ikokoanyetsa madi ka go dira megwanto, bommabontle le mediro e mengwe. Mme Letshoo o tshwaela fa kemo-nokeng e le kwa godimo. A re maphata a puso le banni ba motse ba dira le bone ka lorato. A re ba dira le ba Otse Police College, Dikakapa FC, Ditshephe FC, Avis, Gabana Architect, Dutch Reformed Church, LEA, Choppies, ba bogosi gareng ga ba bangwe. O tlhalositse fa bagodi le bone ba itumetse, a re ba ba fa dikgakololo gore ba kgobokanya madi jang le gore ba ka dira jang gore toro ya bone e atlege. “Ditlhopha tsa kgwele ya dinao tsa Sontaga di dira dikgaisanyo go re kgobokanyetsa madi. Re dira le mmabontle wa bagodi.” A re o lebogela kemo nokeng e, gonne tiro nngwe le nngwe gore e atlega e tlhoka tshwaragano ya batho le bopelotelele. O tlhalositse gore fa ntlo e fela, maikaelelo a bone ke go tsaya bagodi moso le moso, mme ba ba busetse malwapeng maitseboa. Mme Letshoo o kopa thotloetso mo go botlhe go ba thusa ka koloi e e tlaa ba thusang go dira ditiro tsa mokgatlho. A re ba tlhoka sebalamakgolo le kharabene e ba tlaa e dirisang e le ofisi, ka jalo o kopile setshaba go ba thusa ka mo ba nang le gone. “Keletso le toro ya rona ke go bona mokgatlho o godile, gape re eletsa go itirela dikgwebo di tshwana le thuo ya dikoko le tshingwana ya merogo. Gore toro ya rona e atlege, setshaba se tshwanetse go dira le rona ka lorato gore maitlamo a rona re le baithaipi a diragale,” Mme Letshoo a wetsa. society 9 Kgotlafela o rotloetsa Batswana go ikemela ka dinao lick to see more pictures E re ka go sa sala sepe gore lefatshe leno le goroge kwa 2016, Batswana ba gwethilwe go ema ka dinao go tokafatsa matshelo a bone le gone go ipaakanyetsa moletlo wa dingwaga tse di masome a matlhano lefatshe leno le ipusa. E rile a kgothatsa morafe wa Leshibitse mo phuthegong e e neng e buisiwa ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama ka Labone, Mme Charity Kgotlafela go tswa kwa khanseleng ya tebelopele ya setshaba, a iteela morafe wa motse oo legofi ka jaana ba eme ka dinao go tokafatsa matshelo a bone. A re morafe oo ke sekao mo merafeng e mengwe ka ba setse matshego a tebelopele ya setshaba morago e bile ba a diragatsa. Mme Kgotlafela o ne a tlhalosa fa nako e tsile ya gore Batswana ba itshekatsheke gore ba tswa kae ebile ba ya kae. A re ba dule ka matshego a le supa a tebelopele ya setshaba a kaya fa a lemoga gore bontsi jwa Batswana ba tsweletse ka go diragatsa matshego ao, se a tlhalosang fa e le selo se se botlhokwa thata. Mme Kgotlafela a re ka ngwaga wa 2016 lefatshe leno le tlaa bo le ipelela dingwaga di le masome a matlhano le ipusa ga mmogo le yone tebelelopele ya setshaba e tlaa bo e tla bokhutlong, a tlatsa ka gore setshaba se tshwanetse sa tshwaragana go re maitlamo otlhe a diragadiwe. O tsweletse a re go mo maruding a Motswana mongwe le mongwe go itshekatsheka gore seabe sa gagwe ke eng mabapi le dikgang tseo ka bobedi. O ne gape a supa gore le puso ya lefatshe leno e gatetse pele mo go diragatseng matshego ao a kaya fa mo letshegong la setshaba se se kutlwelobotlhoko, se se ratang tshiamo se se tlhokomelang batho botlhe, puso e tsweletse e a diragatsa. A re e setse e agetse bangwe ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng matlo gore ba nne le seriti le bone, a supa gape gore le a mangwe fela jalo matshego puso e gatetse pele mo go one. Mme Kgotlafela o boletse gape a re Batswana ba tsweletse le ka go rotloetsa thuto ya lefatshe leno gore ka ngwaga wa 2016 ba fitlhelele letshego la bone la setshaba se se rutegileng, se na le kitso a fa sekai ka dikolo tsa bananyana tse di neng tsa simolodisiwa bosheng a re seo ke kgatelopele. E ntse e le kwa phuthegong eo mopalamente wa kgaolo eo ya Mochudi Bophirima Rre Gilbert Mangole o ne a tlhalosa fa go na le bagolo bangwe mo motseng ba ba tshotsweng ka ngwaga wa 1966 fa lefatshe leno le tsaya boipuso ba a kaileng ba ithaopile go nna le seabe sa go tlhabolola motse wa bone. politics 7 Thuo ya Dihutshane e dira sentle Mogolwane wa ofisi ya tsadiso le tlhabololo ya leruo kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng o tlhalositse fa dihutshane tse di tshwanang le pudi di dira sentle e bile di ata kwa kgaolong eo. E rile a bua mo puisanyong le BOPA, Rre Kgang Mongale a tlhalosa fa barui ba kgaolo ya Letlhakeng ba itse go tlhokomela dihutshane e bile go lebega di ba solegela molemo ka bontsi jwa bone ba kgona go isa bana dikoleng ka go rekisa leruo ga mmogo le go ikinola mo lehumeng le le aparetseng lefatshe ka bophara. O bile a tlhalosa fa mananeo a puso a a tshwanang le boLIMID, lenyetso lehuma ga mmogo le a banana a thusitse thata ka barui ba rekisetsa ba ba batlang dihutshane ka bontsi. Rre Mongale o tlhalositse fa lephata le tsweletse ka go leka go thusa ka go bopa mokgatlho wa Kweneng Small Stock Association o barui ba tlaa ikopanyang ka one mme ba kgone go ithuta ka tlhokomelo leruo le gore le ka ba solegela molemo jang. O supile fa lephata le ikaelela go ruta barui ba dihutshane go ruela kgwebo ga mmogo le go tshwara dibuka tsa kgwebo. Rre Mongale o tlhalositse fa kgwetlho e barui ba dihutshane ba kgaolo ba kopanang le yone e le bolwetse jwa sekwape kana motshweetshwee jo bo simologileng ka 2010 jo bo bakwang ke dinwamadi di tshwana le matsetse. O tlhalositse fa bolwetse jo gantsi bo tlhasela ka dinako tsa komelelo, bogolo jang mariga. O bile a kopa barui go tipa diruiwa tsa bone le go di kenta mme ba dire tse tsotlhe ka fa ditaelong tsa bakenti gore e re fa bolwetse bo tla go wa ba bo ba setse ba eme sentle ka motsalwa pele a rile mosele wa pula o epiwa go sale gale. O ne a gakolola barui go dira dirubi ka dipudi tsa kgaolo di tsala thata mariga mo go rayang gore dipotsane di ka bolawa ke serame le dipula ka e bile malatsi ano di sa ikanyege ka di ka bolaya dipotsane ba tloga ba sala ba iphotlhere. economy_business_and_finance 3 Ba inaakantse le metshelo Metshelo e supilwe e le nngwe tsela ya go tokafatsa matshelo mo Botswana ke ka moo batho ka bontsi ba tsweletseng ka go e tsena. Mme mongwe yo o boneng mosola wa motshelo ke Mme Neo Godirang. O boletse fa a tsene motshelo fa botshelo bo mo ketefalela a sena go tlhokafalelwa ke monna yo e neng e le ene a tsisang dijo mo lwapeng. A re madi a motshelo a thusa bana ba gagwe fela thata ka a kgona go ba rekela dijo le diaparo tsa sekolo. O supile fa a bona thotloetso e ntsi mo go bomme ba motshelo ka ba sa thusane ka madi fela mme ba gakololana ka tsa matshelo le go supa lorato mo setshabeng ka go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. A re ba dira meletlo ya dijo le go adimisa madi e le nngwe tsela ya go oketsa madi a ba nang nao mo motshelong. Mme Godirang a re o rotloetsa batho go tsenelela metshelo a tlhalosa fa e se ya bomme fela le borre ba ka o tsenelela go tokafatsa matshelo a bone le go rutana ka tsa matshelo. A re batho ba santse ba gana go tsenelela metshelo ka ba nna ba utlwa gotwe ba bangwe ba ja madi a ba bangwe mme a tlhalosa fa malatsi ano madi a bewa kwa dibankeng. Mme Wedu Ntolo wa dingwaga tse di masome mararo o boletse fa motshelo e le selo sa botlhokwa ka se mo thusitse fela thata le ba lelwapa la gagwe. A re o tseneletse motshelo ka ngwaga wa 2012 morago ga go bona bomme ba bangwe ba tsweletse ka go tokafatsa matshelo a bone ka metshelo. Se se ne sa dira gore le ene a rwale ditlhako jaaka bomme ba bangwe a tsenelele motshelo. A re o kgonne go feleletsa ntlo ya gagwe le go reka dilwana tsa mo ntlong. Mme Ntolo a re motshelo wa bone o dirwa ke bomme ba ba lesome le boferabobedi ba ba itlamileng go ntsha madi a a kana ka dipula tse di lekgolo kgwedi le kgwedi le go rekelana dimpho tse gantsi e leng dilwana tsa mo lwapeng. O supile fa ba thusana mo manyalong le mo dintshong go supa lorato le tirisanyo mmogo. A re motshelo ke nngwe tsela gape ya go tiisa botsalano, lorato le kagiso mo motseng. O tlhalositse fa ba ntsha madi a mangwe a a kana ka dipula tse di lesome kgwedi le kgwedi mme ba a dirise ngwaga o fela go reka dijo tse ba di kgaoganang. economy_business_and_finance 3 Kgosi ya Kutamogoree e itumelela banana Kgosi Motsamai Kgosi wa motse wa Kutamogoree o tlhalosetse fa a leboga maiteko a puso a go tlhabolola metse e e kgakala le ditlamelo ka go fa banni ba metse eo sebaka sa go thapiwa fa ba nang le bokgoni fa go na le diphatlha mo maphateng a puso ka go farologana. Kgosi o buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng, mme a supa fa puso e tsweletse ka go thapa banni ba motse o ka bontsi, a re se se thusa ka ditlhabololo tsa motse. A re thata o leboga ba sepodise, sesole le ba lephata la magolegwa ka e le bone ba thapileng bontsi jwa banana ba motse wa Kutamogoree. O supile fa banana ba ka bontsi ba supa boikarabelo ka ba tsweletse ka go dira sentle kwa ditirong tsa bone e bile ba tlhokomela batsadi ba bone ka go ba agela le go ba rekela leruo go intsha mo lehumeng. A re ba bangwe ba ithaopile go thusa ba ba tlhokileng lesego mo motseng ka go ba fa dijo le diaparo. O boletse fa a itumedisiwa ke gore bontsi jwa banana bao ga ba a lebala ko ba tswang teng mme ba tsweletse ka go tla gae fa ba sa theogela le go tsaya karolo mo ditlhabololong tsa motse wa bone. Kgosi o supile fa se se dira gore banana ba tlhoafalele dithuto tsa bone gore ba kgone go bona ditiro tse di botoka, a bolela fa ba ba neng ba sa dira sentle mo dithutong tsa bone ba ikwadisetse go kwala gape. O ne a tlhalosa fa a ba rotloetsa go tsena ko Brigades go ithuta ditiro tsa diatla gore ba kgone go itshemololela dikgwebo ba thape banana ba bangwe. Go sale foo, Kgosi o boletse fa lenaneo la Ipelegeng le tsweletse ka go tlhabolola motse ka ba kgonne go dira masakana a go latlhelang matlakala mo go one. O supile fa lenaneo la go apeela badiri ba Ipelegeng le thusitse banni ka bontsi jwa bone ba ikagetse matlo ka dikatso tseo fa ba bangwe ba itheketse dipodi mme se se ba ntshitse mo lehumeng. A re lenaneo le le thusitse badiri ba Ipelegeng fela thata ka bangwe ba tla go bereka ba sa ja sepe. Le fa go ntse jalo, Kgosi o ntshitse matshwenyego a gore bangwe badiri ba Ipelegeng ga ba theogele sentle, ba nna malatsi ba sa bonale ko tirong ntle le ntsha lebaka. A re bangwe batla tirong ba nole, a tlhalosa fa tiro ya Ipelegeng e tshwana le ditiro tse dingwe ba tshwanelwa ke go reetsa le go tlotla mogolwane wa bone ka dinako tsotlhe. BOKHUTLO politics 7 Banana ba ka thusa go emisa dikotsi Kgosi Segale Letshele wa Jwaneng o kopile banana ba toropo eo go tsaya boikarabelo go lwantsha dikotsi tsa tsela. Rre Letshele o ntshitse kgakololo eo kwa thuto-puisanong ya banana kgatlhanong le dikotsi tsa tsela e e neng e tshwaretswe kwa Jwaneng bosheng. O gakolotse banana go obamela matshwao a tsela ka dinako tsotlhe eseng fela fa ba bona mapodise ka jaana matshelo a bone a le botlhokwa mo lefatsheng leno. A re boikgapho ke selo se se botlhokwa ka e bile bo tsamaelana le nngwe ya matshego a tautona wa lefatshe leno la discipline le tebelopele ya setshaba ya 2016 ka fa tlase ga tshetlana ya tshaba e e sireletsegileng e bile e babalesegile. Rre Letshele o tsweletse ka go gwetlha banana go tsaya boikarabelo jwa go fokotsa dikotsi tsa tsela ka jaana di digela itsholelo ya lefatshe la Botswana kwa tlase. A re ba ikgaphe mo dilong di tshwana le nnotagi e e feteletseng ka ele nngwe ya dilo tse di bakang dikotsi tse dintsi. A re, e re ka jaana malatsi a boitapoloso a atamela, banana ba tseye boikarabelo ka bongwe ka bongwe gore ba nne le seabe mo go fokotseng dikotsi tsa tsela. A re pharologanyo e e dirwang ke motho a le mongwe, e ka thusa lefatshe ka bophara go fokotsa dipalo tsa dikotsi tsa tsela. O boile gape a ba kopa gore ba dirise dipalamo tsa setshaba fa ba tsamaela kwa ntle ga toropo ka jaana dipalamo tse dingwe di sa sireletsega. A re, se se dirwa ke gore dinako tse dingwe bakgweetsi ba dipalamo tse eseng tsa setshaba ba a bo ba sa itekanela sentle mme ba bake dikotsi. E rile a tswa la gagwe, mothusa modualsetilo wa komiti ya ipabalelo tseleng mo kgaolong ya Jwaneng Assistant Superintendent Ernest Sesinyi a supa fa banana ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le borataro le masome a mararo le botlhano ele bone ba amegang thata mo dikotsing tsa tsela. O tlhalositse fa melato ya go kgweetsa motho a itshietse, go tlhoka go obamela matshwao a tsela, go kgweetsa botlhaswa ga mmogo le go tlhoka go tsenya lebanta la itshireletso ele mengwe ya melato e e di gogang kwa pele mo go bakeng dikotsi tsa tsela mo kgaolong eno. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Go thusa mapodisi go ka tlhofofatsa tiro Makhanselara a kgaolo potlana ya Boteti a kopilwe go ema mapodisi nokeng mo go lwantsheng borukutlhi. E rile a bua kwa khanseleng bosheng, mogolwane wa mapodisi a District NO 8, Mme Sarah Gabathusi a tlhalosa fa batho ba sa dirisane le mapodisi sentle mme ba batla mapodisi fela fa ba tlhokana le thuso ya bone. Mme Gabathusi o boletse fa ba tshwenngwa thata ke borukutlhi jwa go tsena ga diritibatsi segolo jang setlhatshana sa motokwane mo kgaolong eo se a reng ba se fitlhela mo bathong mo dikgorong tsa lephata la matlhoko a leruo fa ba phuruphutsha. Mme Gabathusi a re borukutlhi jo bongwe jo bo tshwenyang ke jwa dipetelelo. O tlhalositse fa ba lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya mapodisi mo Letlhakane, seemo se a reng se bakiwa ke tlhaelo ya boroko jwa bodiredi , a tlatsa ka gore ba na le lenaneo la go aga matlo a mapodisi a le 28 mo motseng oo. O kaile fa gape ba na le tlhaelo ya diofisi mme a re o kopile go senka lefelo le baka le hirisang go direla mo go lone. Ene yare ba mokgwa kgaba mokhanselara wa Khwee, Rre Keitumetse Gobotswang a re o tshwenngwa ke dipolaano tse di diragalang kwa motseng oo. Mokhanselara Gobotswang o kopile mogolwane wa mapodisi go tsibogela seemo pele ga malatsi a keresemose ka jaana ele nako e go itumelwang thata le tiriso ya ditagi ele kwa godimo ka jalo go bake dikgang tsa mothale oo. Mokhanselera wa Tsienyane Botlhaba, Mme Batoli Manyuni o supile fa ba tlhaelelwa ke dikoloi tsa mapodisi mo go dirang gore batho ba seka ba thusiwa ka bonako. Mme Manyuni a re ga ba itumedisiwe ke go tlhoka go duelwa ka nako ga baithaopi ba sepodisi mme a supa fa seo ele selelo sa kgaolo yotlhe ka makhanselara ka bontsi ba lemogile seo mo dikgaolong tsa bone mme ba kopa gore ba sepodise ba potlakele go baakanya seemo seo. Mo go tse dingwe, makhanselara ba beilwe pele lenaneo la go tsena le go tswa mo kgaolong ga badirelapuso mme makhanselara a Boteti Botlhaba ba supile fa pego ya teng e e sa supe babereki ba Boteti Bophirima mme e bile ba re ba na le kgwetlho ya babereki ba ba tsamaileng ba bo ba sa emisetswe. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Kgosi Mangogola o bolokilwe Mokhanselara wa pele wa Mathathane, Rre Ishmael Legwaila, o kaile fa mothusa kgosi wa Mathathane Rre Moloko Mangogola e ne e le motho yo o senatla gape a le lerato mo setshabeng. O buile seo kwa phitlhong ya mothusa Rre Mangogola ka mafelo a beke kwa Mathathane. A re mothusa kgosi o tlhomilwe go nna kgosi ya kgotla ya Serumola ka ngwaga wa 1975, a tlhomiwa go nna mothusa kgosi ka ngwaga wa 1992 setilo se a tlhokafalang a le mo go sone. O tlhalositse fa e ne e le molemi-morui,gape o ne a dira tiro ya gagwe ya bogosi ka bonatla a sa kgaramediwe e bile a thusa setshaba ka lerato le botswerere. Rre Richard Serumola a re o berekile le Kgosi Mangogola dingwaga di le masome mabedi a supa fa a sa itse gore o ya go bona kae senatla se se tshwanang le ene ka o ne a tshephagala mo tirong ya gagwe ya bogosi. Leloko la ntlo ya dikgosi kwa Bobonong Kgosi Mmirwa Malema o tlhalositse fa Kgosi Mangogola a ne a sa mpampetse sepe, e le motho yo o buang boammaaruri. Molaetsa go tswa kwa go mogolwane wa dikgotla tsa Setswana, Rre Tumelo Seboko, o ne wa tlholosa fa Kgosi Mangogola a tsene mo tirong e e botlhokwa ya go direla morafe ka ngwaga wa 1994 kgwedi ya Lwetse e tlhola letsatsi e le kgosana e e sekisang. Moemedi wa Ntlo ya Dikgosi kwa Bobonong e le kgosi ya Molalatau, Rre Letso Malema, o ne a rotloetsa setshaba go dira dilo ka fa go tshwanetseng, a supa fa dikgang tsa go lwela bogosi di tshwenya. O ne tlhalosa fa ba itse ka fa ba tsalwang ka teng e le ka thulaganyo ya bone, mme se se botlhokwa ke go tsena mo ntlong ba buwe, morago ba bolelele morafe wa Mathathane gore ba bona mang yo o ka tsenang mo boemong jwa ga Kgosi Mangogola. society 9 Khampani e namola baithuti Mookamedi wa Obert Fitness mo Maun, Rre Obert Morgan a re ba itlhophetse dikole di le tharo go di thusa ka mesangwana (sanitary towels) kgwedi le kgwedi. Dikole tseo di akaretsa se segolwane sa Maun, Mogoditshane le sa Limpopo ko Salajwe mo kgaolong ya Kweneng mme sengwe le sengwe se fiwa mesangwana e le 3 000. Mo potsolosong, Rre Morgan o boletse fa ba ne ba tsaya tshwetso eo morago ga go utlwa fa baithuti bangwe, bogolo jang ba ba tswang kwa malwepeng a a itsholelo e kwa tlase, ba dirisa materase mme seo sa mo gwetlha go thusa. A re gape o ne a fiwa thotloetso ke baithuti ba pele ba a neng a tsena sekole nabo, mme a itlhophela go simolola ka go thusa dikole tse tharo pele a tlatsa ka gore fa seemo sa madi se letla, o ikaelela go oketsa palo ya dikole. Fa a abela sekole sa Maun, o boletse fa a lemoga fa batsadi bangwe, bogolo jang ba ba tswang mo metseng e e mabapi, ba sa kgone go ka rekela bana mesangwana eo ka mabaka a itsholelo e e kwa tlase. Rre Morgan a re ba dirile thulaganyo le ba bogakolodi mo dikoleng gore dimpho tseo di fiwe baithuti ba ba lebaneng. O boletse gape fa a tshwenyega ka borre bangwe ba ba itirang moriti o tsididi fa ba tshwanetse go tlhokomela bomme ba bone ka go ba rekela mesangwana. A re bagwe ba santse ba le ditlhong mme a ba kgothatsa go supa lorato mo go bomme ba bone a re go mo rekela dimpho tseo ke go supa fa ba kgathala ka botsogo jwa bone. Le fa go ntse jalo, o boletse fa ngwaga ono ba bone go tshwanela go kopanya kabo ya dimpho tseo le itshidilo mmele ka jaana kompone eo e rotloetsa botsogo jo bo lolameng mo setshabeng. A re ba bona go tshwanela go simolodisa 'Maun Wellness' e maikaelelo a yone e leng go rotloetsa itshidilo mmele ka nako tsotlhe ka jaana e le konokono mo botsogong jo bo siameng. A re ba itemogetse fa bontsi jwa batho bo tshwenngwa ke malwetse a a sa tshelanweng jaaka madi a matona, sukuri mme molemo wa teng e le itshidilo go a thibela. Kompone eo e thusa thata ka tsa itshidilo ya bodiredi mo dikomponeng ka go farologana di tshwana dibanka, dikoporase tsa motlakase ba Botswana Stock Exchange le tse dingwe tse di ikemetseng le morafe ka kakaretso. Rre Morgan a re ba tsene mo botsalanong le ba komopne ya Mascom go godisa tiro eo ka jaana ba batla e sologela banni ba Maun molemo. A re ba ikaelela go e tlhabolola ngwaga o o tlang ka go dira lobelo la Maun Run le le tlaa ngokang batabogi ntlheng tsotlhe tsa lefatshe. A re ba eletsa go ikgologanya le ba Botswana Athletics Association fa ba simolola dipaakanyo tsa lobelo leo. Rre Morgan a re Maun o itsege thata ka bojanala ka jalo go tshwanela go tla ka ditirelo tse di tlaa tshosolosang itsholelo ya motse oo le gone go godisa bojanala. BOKHUTLO health 6 Badiri ba Ipelegeng ba rotloediwa go itshwara sentle Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Ikongwe, Rre Onyaditse Sepane o rotloeditse banni ba ba thapilweng go bereka mo lenaneong la Ipelegeng go itshwara sentle mo tirong. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Sepane o tlhalositse fa bontsi jwa badiri ba Ipelegeng ba na le mokgwa wa go tla tirong ba nole bojalwa mme se se dire gore maitseo a bone e nne a a makgwakgwa, selo se a reng se a ba ngongoregisa. Go ya ka Rre Sepane, go a bo go nolwe majalwa a masesanyane jaaka tutu le khadi a a rekisediwang mo malwapeng, mo go dirang gore a nowe phakela le ntswa go se ka fa molaong. Rre Sepane a re badiri ba ba tlang mo tirong ba itshietse ba kgoba ba bangwe ka dipuo mo go ba kgoreletsang go bereka, ka jalo ba busediwa kwa malwapeng ba bo ba kgaolelwa madi a letsatsi leo, mme fa boitshwaro jo bo tswelela motho wa go nna jalo o kobiwa mo tirong. Le fa gontse jalo, lenaneo le go kailwe fa le tsamaya sentle ka le thusitse go tlhabolola motse ka go phepafatsa le go tlhamela banni diphatlha tsa mmereko. E re ka motse wa Ikongwe o tletse matlapa, go dirisiwa babereki ba Ipelegeng go a kgobokanya go dira mehupu ya mekgabisa le go a isa kwa mabitleng ka go na le tshokolo ya go bona matlapa a a bewang fa godimo ga mabitla ka dinako tsa diphitlho. Rre Sepane a re gape lenaneo le le thusa go tlhabolola matshelo a banni, a tlhalosa fa bangwe ba tsenya bana dikole ka dikatso tse ba di bonang. O tsweletse ka go tlhalosa fa lenaneo la go apeela badiri ba Ipelegeng le lone le tsamaya sentle le fa go kile ga nna le makgwere a gore mongwe yo o neng a thapilwe o ne a sa apeye sentle. A re modiri yo o ne a apaya borotho a sa bo dube sentle, mme se se sa itumedise badiri mo a feletseng a amogela dituelo tse di kwa tlase, ka e ne e re nako le nako fa a sa apaya sentle a kgaolelwe madi a letsatsi leo. Rre Sepane a re o rotloetsa batho ba ba batlang tiro mo Ipelegeng go itshwara sentle ka ditiro le ka puo, a tlatsa ka gore “kana motho o a bo a emeletse kwa ga gagwe a re o ya go batla tiro a sa patelediwa ke ope,” ka jalo, a re o rotloetsa banni ba Ikongwe go tsaya tiro ya Ipelegeng ka tlhwaafalo gore e tle e ba tswele mosola. society 9 Makhanselera a kopiwa go itebaganya le ditlhabololo Makhanselera a kgaolo potlana ya Palapye a kopilwe go itebaganya le ditlhabololo ga mmogo le matshwenyego a a lebanyeng setshaba se ba se emetseng. Mafoko a,a builwe ke modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye, Rre Onnetse Ramogapi fa a bula semmuso bokopano jwa makhanselera ka Mosupologo, Mopitlo a tlhola gararo. A re ke nako ya gore khansele e tswe mo goreng bone le puso ke bone botsadi jo bo rweleng boikarabelo jwa sengwe le sengwe, mo go mongwe le mongwe kwa ntle ga dituelo dipe. Rre Ramogapi a re ba tshwanetsa ba itshetela godimo, ba loma molomo wa tlase go bona gore maikarabelo a go tshwaraganela ditlhabololo gore mongwe le mongwe a nne le seabe go tokafatsa matshelo a setshaba. A re ke maikaelelo a bogogi go rurufatsa kgolo ya itsholelo le ditlhabololo, ka ntlha e nngwe ba netefatsa gore tshireletsego ya batlhoki le ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng e nna teng ka go ba neela ditlamelo tse di maleba. A re ba dumela gore ka kgolagano eo, kgaolwana potlana e ka dira ka botlalo go fitlhelela dintlha dingwe tsa botlhokwa le go tlisa tse di tlhokegang e bile di le mosola go ka fetola matshelo a setshaba se ba se emetseng. Rre Ramogapi a re, gore kgolagano eo e ntshe maduo, ke gore khansele e tswelele ka go isa ditlamelo tsa konokono tsa matshelo a batho le gone go bona gore lenaneo la dikago le nna teng e bile le a tokafadiwa, le go tswelela ka go tokafatsa tikologo e e amogelesegang mo itsholelong ya ditlhabololo tsa selegae le mo dipeeletsong tsa dikompone tse di ikemetseng. O ile a re go itebaganya le setlhopha se se fa gare sa tshaba e e kgonang go ka duelela ditlamelo, jaaka makhanselera, bodiredi, barutabana, baoki, bagwebi ba ka kopiwa go duelela ditlamelo di tshwana le go tseelwa matlakala. O supile fa go dira jalo go ka letla khansele go dira madi, a ka one ba ka a tsenyang mo dipeeletsong go ntsha ditlamelo le gone go baakanya dikago. O kgothaditse bodiredi ja khansele go ntsha ga tshwene ka maduo le ditlamelo tsa boleng le go netefatsa gore bokopano ja morafe le boemedi ja setshaba bo nna teng. A re le gone go tsaya boikarabelo ja therisano ka ditlhabololo le moemedi wa kgaolwana jaaka mokhanselera go tshwanetse ga nna teng. Rre Ramogapi a re ke boikarabelo ja morafe go tlhaloganya fa ditlhabololo tse di kwa metseng ya bone ele tsa bone, mme bana le tshwanelo ya go di tlhokomela le go bona gore dithoto tsa setshaba ga di senngwe. E rile a itebaganye le bagwebi ba ba ikemetseng ka nosi a re, ba tshwanetse go tlisa madirelo mo kgaolwaneng potlana, segolo jang mo dikgaolong tse itsholelo ya tsone e ka nnang le boleng jaaka mogo tsa temo-thuo, meepo, tlhabololo ya dithoto le tsa bojanala. Modulasetilo o tsweletse a re go botlhokwa gore boeteledipele bo tle ka ditsela tse ba ka rutang setshaba ka botsipa jo bo ka ba tsenyang sentle mo makalaneng a a farologanyeng a morafe, ka maikaelelo a go ba fa dikitso le boitseanape jo bo ka ba thusang go itebaganya le dikgwetlho le manokonoko a itsholelo. O tsweletse a re metlhala mengwe ya go neela le go tokafaletsa batho itsholelo, e ka nna ya go tokafatsa botsogo ka phepafatso ya metse ya bone ba thapilwe ke khansele. A re seo se ka tokafatsa matshelo a bone sa ba isa golo gongwe. BOKHUTLO politics 7 Selelo sa ba Boseja/Kubung se arabilwe Selelo sa banni ba kgotla ya Boseja/Kubung sa ditsela tse di sa tsamaegeng e a go nna selo sa maloba ka jaana le bone ba akareditswe mo lenaneong la go tlhabolola ditsela la khansele-potlana ya Maun. Modulasetilo wa khansele-potlana ya Maun, Rre Mmoedi Modiegi o buile jalo bosheng mo phuthegong ya kgotla gone kwa Boseja/Kubung bosheng. O kaile fa ba khansele eo ba dule ka lenaneo la go tlhabolola ditsela mo dikgotleng tse di farologanyeng mo kgaolong ya bone. Rre Modiegi, yo o tsamayang le kgaolo ya gagwe a lekola banni le go utlwa dilelo tsa bone, o tlhalositse fa kgotla nngwe le nngwe e a go akola ditlhabololo, segolobogolo tsela ya dikhilomithara tse tlhano, a re ba a go leka ka bojotlhe go di tshela lekgarapana kana go dirisa ditena tse di kopanngwang e le ntlha nngwe ya go tlhabolola motse. O tsweletse a tlhalosa fa ba lemogile gore banni ba kgaolo ya bone ba lela thata ka ditsela tse di sa tsamaegeng morago ga dipula tse di neng tsa gosomana, mme tsa senya ditsela ka bontsi mme ka seo ba ne ba seegela kwa thoko P5 million a bontlha bongwe jwa one a tlaa dirisiwang go tlhabolola tsela ya Boseja/Kubung e e sa robatseng banni ba kgotla eo. Modulasetilo o supile fa lenaneo leo la go tlhabolola tsela ya kgotla ya Boseja/Kubung le setse le simolotswe ka jaana ba setse ba boletse dikopo tsa borradikonteraka ba ba nang le kgatlhego ya go dira tsela eo. “Tsela e e tlaa simolola fa dikagong tsa BMC mme e felele fa matlong a BHC ka gore re ikaelela gore kgotla nngwe le nngwe e akole tsela e e e dikhilomithara tse tlhano,” ga bua modulasetilo. Rre Modiegi a re ba dule ka lenaneo la go dirisa ditena dingwe tse di faphegileng go dira tsela eo ya Boseja/Kubung, e seng go dirisa lekgwarapana jaaka go tlhwaelesegile ka go supagala gore tsone di thata di ka seke di senngwe ke dipula ka bonako, a tlatsa ka gore ba solofela gore pele ga ngwaga ono wa madi o fela, tsela eo e tlaa bo e setse e simolotswe go dirwa. E ne ya re pele modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo gone mo kgotleng eo, Rre Boitshoko Balekile a supa fa ba ne ba setse ba itlhobogile ba supa khansele ka monwana ka gore matshelo a bone a ne a setse a le mo diphatseng, ka gore dipalamo tsa sechaba di ne di ba baya kgakala le kwa malwapeng a bone. Rre Balekile a re dipalamo tsa sechaba di ne di ba baya kgakala ka gore ba ne ba tshaba gore tsela eo e tlaa ba senyetsa dikoloi tsa bone mme seo se dire gore magodu a ba amoge ditsa bone. “Re ne re setse re akanya gore khansele ya rona e re latlheletse ka gore ka nako tsa dipula re ne re sokola thata ka gore ditsela tsa rona di ne di sa tsamaege,” ga bua Rre Balekile O tlhalositse fa dingwe tsa ditsela tsa bone di ne di setse di tlhogile ditlhare mme seo e nne bonno jwa dirukutlhi tse di tseelang bangwe dikobo ka dikgoka le go ba amoga ditsabone selo se se neng baya matshelo a bone mo diphatseng. Le fa go ntse jalo, modulasetilo wa khansele o ne gape a tlhalosetsa banni ba Boseja/Kubung fa ba tlaa oketsa dipalo tsa babereki ba Ipelegeng ka ba lemogile gore batho ga ba a bona thobo e e nametsang mono ngwaga. A re ka batho ka bontsi ba ba neng ba lemile ba ne ba senyediwa ke dipula tse di neng tsa gosomana mme bangwe ba tswa fela ba iphotlhere, selo se se gwetlhileng khansele go ba akanyetsa gore le bone ba tle ba kgone go oba letsogo ka Ipelegeng. BOKHUTLO society 9 Mapodisi a tshegeditse mmelaelwa Mapodisi a Letlhakane a tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome a supa le bobedi (72) wa kgotla ya Kutlwano kwa Mokubilo go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le loso la monna yo o dingwaga tse di masome a mane le bongwe (41). Mogolwane wa mapodisi Letlhakane Supt Loeto Ramabokwa o boletse gore mmelaelwa o tlhabile moswi ka sengwe se se bogale morago ga gore bobedi joo bo tlhoke kutlwisisano ko maitisong a dino. Supt Ramabokwa a re tiragalo e e diragetse ka matlhatso bosigo a bo are setopo sa moswi se ko setsidifatsing sa sepatela sa Letlhakane se letetse go tlhatlhobiwa ke dingaka. O bile a re ba tshwengwa ke seemo se sa dipolaano mo kgaolong ya Letlhakane, a tlhalosa fa ele tiragalo ya botlhano ya polao e diragala mono ngwaga. Supt Ramabokwaa re o kopa batho go buisa le go itshwara fa ba tlhokile kutlwisisano a re ntwa kgolo ke ya molomo ,ba ikgaphe mo dintweng ka dika baka loso. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Moremi o bone ditirelo tsa botsogo Tshwaragano mo botsogong jwa motho e botlhokwa, e bile ke sone se puso e neng ya tswa ka lenaneo la itshidilo mmele, go leka go fokotsa malwetse a a sa tshelanweng. Puso e dirisa madi a mantsi mo kalafing ya malwetse a a sa tshelanweng, a a kabong a sa dirisiwe fa batho ba ne ba tsibogela botsogo jwa bone le go ja dijo tse di lebaneng. Fa bua bosheng kwa bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke ba botsogo, komiti ya motse ya botsogo le bodiredi jwa Moremi kwa kgaolong ya Lerala/Maunatlala morulaganyi wa lenaneo la thutuntsho twantsho maikutlo go tswa mo lephateng la thuto kwa kgaolwaneng-potlana ya Palapye Administrative Authority, Mme Itumeleng Seabe a re maikutlo a a sa iketleng a ka tsenya bolwetse. Mme Seabe a re go le gantsi malwetse a tshwana le jwa pelo, madi a matona le sukiri a bakwa ke maikutlo a a sa iketleng, a a ka dirwang ke dilo di le dintsi tsa botshelo. O gateletse botlhokwa jwa gore batho ba e le tlhoko se ba se jang ka dinako tsotlhe gore ba somarela matshelo le botsogo jwa bone a re mafura le letswai di fokodiwe mo dijong. A re bophepa ke sengwe sa tse di tlhokang go elwa tlhoko ka dinako tsotlhe, go itsa malwetse a re go tlhapiwe diatla fa motho a tswa mo ntlwaneng. A re ke tshwanelo ya motho mongwe le mongwe go itse setlhopha sa madi a gagwe, ka seo se ka thusa go laola dijo tse a dijang. O supile fa dijo tsa Setswana di siametse botsogo. Mme Seabe re go elwe tlhoko go latlhwa ga matlakala, ka kgaolo ya Palapye e tshabelelwe ke bolwetse jwa letshoroma jo bo bakiwang ke monang o o tsalelang mo metemeng, metsi a a emeng le tikologo e e leswe. Dibui ka go farologana, di ne tsa supa fa malwetse a a sa tshelanweng a ka hengwa ka go itshidila mmele ka dinako tsotlhe, ba re go thuga, go ya nokeng go bereka mo lwapeng ke bontlha bongwe jwa go sedila mmele. Bana ba sekole le batsadi ba ne ba rotloediwa go itse seemo sa bone ka go itlhatlhobela malwetse. Go ne ga tlhalosiwa fa malwese a a sa tshelanweng e le one a puso e dirisang madi a a mantsi mo go o ne go na le a a tshelanwang. Kgosi wa Moremi, Major Tshitlo Days o supile fa go le botlhokwa go ruta le go tsibosa setshaba ka tsa botsogo a re thuto ke konokono. O lebogetse seabe sa puso go rotloetsa itshidilo mmele a re makalana a eme ka dinao go diragatsa maitlamo a. A re bana ba sekole ga ba a tshwanela go tsenwa ke mogare ka bone ba le lesego ba bodulogile ba fitlhela e le pina gore mogare o teng le go neelwa dithuto tse di maleba tsa ka fa ba ka o tilang ka teng, mme a bakgothatsa go ipabalela gore ba seka ba kopana le mogare gope. Letsatsi e ne ya nna le le monate mo banning ba Moremi ka ba ne ba dira metshameko e e sedilang mmele ba bo ba itlhatlhobela malwetse. Bokhutlo health 6 Seboko sa segopa se ile kupu Moanamisa mafoko wa lephata la temo-thuo, Rre Moreri Moesi, o begile fa seboko sa segopa se ile kupu. A re seboko seo se tsaya malatsi a ka nna masome a mabedi le bobedi se le fa godimo ga mmu, se bo se ikepela. Balemi ba le bantsi ba ntse ba sa robatswe ke go tlhagoga ga seboko sa segopa ka se le maswe thata mo dijwalong. Rre Moesi o bega fa dipula tse di gosomaneng kwa dikgaolong tsa bokone, di tlile balemi matshediso ka go se gogola mo masimong. Ka Modimo o se ka o o ja nkabo, kwa dikgaolong tsa Kweneng, balemi ba ne ba namolwa ke makololwane ka go se ja. Lephata la temo-thuo le tlhalosa le gore tshenyo ya seboko sa segopa e bonetse thata mo dikgaolong tsa borwa. Rre moesi o ne supa gore ba ne ba tsibogela go lwantsha seboko seo, e bile ba eme sejaro go se tlhabantsha fa se ka wa la bobedi. Le fa go ntse jalo, moanamisa mafoko o tlhalositse gore ba ka se ke ba kgone go neela balemi ba ba jetsweng ke seboko seo dipeo gore ba leme sesha ka ntlha ya gore paka ya go lema e setse e fetile, se ba ka se dirang e le go ipaakanyetsa go se lwantsha fa se ka ba tlhasela gape. BOKHUTLO society 9 Matlalo a ka tshwakanya itsholelo Modulasetilo wa mokgatlho wa bagwebi ba matlalo kwa kgaolong ya Bokone, Rre Bakani Phillimon, a re kgwebo ya matlalo e ka thusa go tswakanya itsholelo. Rre Phillimon, yo a saleng a tsena mo mererong ya tsa kgwebo ya matlalo ka ngwaga wa 2011, o boletse seo mo potsolotsong bosheng. O tlhalositse fa nako e gorogile gore kgwebo ya matlalo e tsewe ka tlhwaafalo, segolo bogolo jang mo dinakong tse lefatshe le lebanweng ke dikgwetlho di le mmalwa tsa letlhoko la ditiro. A re letlalo ke selo se se tlhokang tiro e ntsi, go simolola fela ka go le suga le go dira dithoto ka lone mme a tlatsa ka gore e na le bokgoni jwa go ka bula diphatlha tsa mebereko. E rile a nankola matshwenyego a bagwebi ba matlalo, Rre Phillimon a tlhalosa fa go sa ntse go tlhokega gore go nne le sekole sa thuto ka tiriso ya matlalo e tseneletseng. A re mo nakong eno ga go na sekole sepe se se itebagantseng le tshugo le tiriso ya matlalo ka jaana bontsi jwa matlalo a isiwa kwa mafatsheng a sele go ya go nna mo seemong se a ka dirisiwang. “Mo lefatsheng la rona, go tlhabiwa dikgomo le dipodi nako le nako kwa matlhabelong ka go farologana, ga mmogo le mo meletlong mme sebe sa phiri ke gore matlalo a a isiwa kwa ntle fa a mangwe a latlhiwa,” a bua jalo. O ne a tlatsa ka gore selo se se tshwanetse sa bewa leitlho ka se ka thusa go menagane go fetola matshelo a batho ba le bantsi. Rre Phillimon o tlhalositse fa mo nakong eno, batho ba eletsang go tsena mo kgwebong e ba rutuntshiwa ke ba lephata la temo-thuo kwa sekolong sa Impala Rural Training Centre kwa toropong ya Francistown sebaka sa dikgwedi tse thataro. O boletse fa ithutuntsho eo e sa lekana ka e bile a re ke ithutuntsho e e sa tseneleleng ka tsa matlalo. Go sa le foo, modulasetilo o ne a bolela fa go tlhokega gape gore barui ba rutiwe ba bo ba lemotshwa botlhokwa jwa go somarela letlalo go simolola fela le sa ntse le le mo seruiweng. A re go le gantsi ba na le go fitlhela matlalo a setse a dule mo sebopegong sa gore a ka nna le tiriso ka ntateng ya gore seruiwa sa letlalo leo se sale se tlhokile tlhokomelo e e rileng ka nako ya fa e tshela. BOPA economy_business_and_finance 3 Lehuma le tlhokisa motho seriti Rre Keitumetse Mmoloki, mogolwane kwa Debswana a re lehuma le tlhokisa motho boleng le seriti. Rre Mmoloki o buile jaana kwa Mmatshumo ka Laboraro fa a rola matlo a le mabedi a kamore e le nngwe a a agilweng ke khamphane ya Wepex Geotechnical ka P50 000. A re Debswana e rotloetsa dikhamphani tse ba dirang le tsone go abela setshaba se ba direlang mo go sone. Rre Mmoloki a re ba motlotlo go bo ba rola matlo a ka se se tsamaelana le moono wa puso le maitlamo a Debswana a a reng, ‘Show we Care’. O akgoletse Wepex tiro eo ya bopelotlhomogi, a re go a itumedisa go bona khamphani e tshwana le bone, e na le bokao mo go arabeng selelo sa puso sa go tshwaraganela go lwantsha lehuma mo lefatshe leno. Rre Mmoloki o lebogile badiri ba Wepex go bo ba ne ba tsenya diatla mo kagong ya matlo, mme a ba kgothatsa go tswelela ba supa mowa o montle wa go dira pharologanyo mo matshelong a batho ba Boteti le Botswana jotlhe. O kgothaditse ba ba thusitsweng go tlhokomela matlo gore a ba sologele molemo le mo nakong e e tlang. Fa a amogela dimpho, Kgosi Keletshwaretswe Phetsogang wa Mmatshumo a re thulaganyo ya go aba ke selo se se molemo. Kgosi Phetsogang o lebogile VDC e e sa tswang go wetsa tiro a re ke yone e duleng ka mogopolo o, ya ba ya rwala ditlhako go ya go kopa dithuso kwa Wepex. Mme Keleemetse Machechisa le Mme Gabaikanngwe Inchie ba e leng bone beng ba matlo, ba ne gape ba abelwa materase a le lesome le motso le dikobo di le nne le dijo. Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Mmatshumo, Mme Tumane Seganabeng a re Mmatshumo o sego go bo a na le VDC e e kgonang go bona batlhoki mme e ba kopele dithuso. Mme Seganabeng a re letlhoko la bonno jo bo siameng, dijo le diaparo, di dira gore motho a seka a tshela sentle. society 9 Kgwele ya dinao e ngoka borre Mogokaganyi wa mananeo a bolwetse jwa AIDS, Rre Callistus Jackalas a re kgwele ya dinao e na le seabe se setona mo go rotloetseng borre le setshaba ka kakaretso go itlhatlhobela mogare. Rre Jackalas o buile jalo mo potsolotsong kwa Maunatlala ka Matlhatso kwa go neng go tshwerwe dikgaisanyo tsa kgwele ya dinao tse di neng o itebagantse le go rotloetsa setshaba, bogolo jang borre go itlhatlhobela HIV. Dikgaisanyo tseo di ne di rulagantswe ke ba Tebelopele Voluntary Counseling and Testing Centre le ba komiti ya kgaolo e e itebagantseng le mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS (DMSAC). Rre Jackalas a re dipalo tse ba neng ba di bona fa ba dirile metshameko ya kgwele ya dinao di a nametsa ka ba kgona go bona palo e ntsi ya ba ba itlhatlhobelang mogare. A re ba ne ba simolola Tlhakole e tlhola malatsi a le lesome le borataro go fitlha e le masome mabedi mme ba tsamaya mo metseng ya Maunatlala, Mokokwana, Mosweu, Seolwane le Lerala ba tlhatlhobela banni mogare. O boletse fa ba ne ba wetsa thulaganyo ya bone ka go rulaganya motshameko le ditlhopha tsa kgwele ya dinao go tswa kwa metseng eo, maikaelelo e le go oketsa dipalo tsa ba ba itlhatlhobelang HIV mme bontsi jwa ba go neng go itebagantswe le bone, bogolo jang borre, ba ne ba itlhatlhoba. Mogolwane go tswa kwa Tebelopele kwa Palapye, Rre Mbako Tawana o kaile fa ba ne ba bona batho ba le lekgolo, masome a roba bongwe le borobabobedi ya ba ba itlhatlhobelang HIV mo bekeng e le nngwe kwa dipolaseng tsa Sheerwood mo nakong e e fetileng mme e ke palo e ba kgonang go e bona mo kgweding kwa diofising tsa Tebelopele. Rre Mbako a re go a itumedisa go bona mo malatsing ano setshaba se tsweletse ka go tsibogela pitso ya gore ba itlhatlhobele mogare ka ba felela ba bona dithuso kwa dikokelong fa ba fitlhelwa ba na le mogare. Bafenyi ba motshameko oo wa kgwele ya dinao e ne ya nna setlhopha sa Lerala fa ba ba ba tlhatlhamang e ne ya nna ba Mokokwana/Mosweu. Bafenyi ba ne ba atswiwa ka kopi le dietsele fa ba ba ba tlhatlhamang ba ne ba fiwa dietsele. Motshameki yo o ba gaisitseng le ene o ne a fiwa seetsele. Ditlhopha tsotlhe tse di neng di tseneletse metshameko eo di ne tsa atswiwa ka bolo sengwe le sengwe. BOKHUTLO health 6 Ba ngongorega ka baatlhodi Banni ba metse ya BORAVAST e e itsegeng thata ka mmino wa Polka ba ngongorega ka baatlhodi ba dikgaisano tsa malatsi a ga Tautona tsa meletlo ya mmino bogolo jang wa Polka o o tumileng thata mo dikgaolong tsa bone. Ba supile fa ba sa itumelele ditshwetso tse di tsewang bogolo jang kwa makgaola kgannyeng ba supa fa baatlhodi ba sa itse sepe ka gore mmino wa Polka o binwa jang le gone gore gotwe motho o o bina sentle a bo a bina jang. Ba buile mafoko a mo diphuthegong tsa mopalamente wa bone yo o neng a buisa diphuthego tsa kgotla mo metseng eo bosheng. Fa a ba kgwa dikgaba mopalamente o supile fa le ene a na le lesokolela ka kgang eo ka gore baatlhodi ga ba itse ditso tsa mmino oo. Mme o gakolotse setshaba gore ba tshwanetse go amogela bonnete jwa gore mmino wa Polka o fetogile le dinako mme ke gone ka moo o setseng o binwa ke merafe yotlhe lefatse ka bophara. O tsweletse ka gore le bone ba nne mo seemong sa gore ba itse gore mmino o ga se wa bone ka ba o kopile kwa merafeng e mengwe. Mopalamente o ne a re e re le ntswa go ntse jalo mme le ene o dumela gore go botlhokwa gore barulaganyi ba dikgaisano tseo ba netefatse gore go nna le baatlhodi ba ba itseng sengwe ka mmino oo. Mo go tse dingwe, banni ba ne ba supa fa ba sa itumedisiwe ke ka fa kompone ya metsi ya Water Utilities Corporation e ba fang ditirelo ka teng. Ba supile fa bontsi jwa nako ba nna ba sena metsi mo metseng ya bone mme ditlhwatlhwa tsa metsi tsone di nna fela di le kwa godimo. Ba tsweletse ka gore kompone eo ga e nke e buisana le bone ka mabaka a tshwana le go kgaola metsi ba tlatsa ka gore ba ketefalelwa ke kgang ya gore ba bo ba tsamaya sekgala se se leele go ya go duelela metsi kwa motseng wa Tsabong kgwedi le kgwedi. Mopalamente o kopile badirelapuso go bereka le morafe sentle ka jaana le bone ba se kake ba nna sebaka sa dibeke tse pedi ba sa bone metsi. arts_culture_entertainment_and_media 0 Gasebonwe o ipelafatsa ka kgwebo ya temo ya ditlhare Puso e tsweletse ka go otlolola letsogo go ntsha Batswana mo lehumeng ka go ba fa mananeo. Mme Gaboratanelwe Gasebonwe ga a aka a batla go nna phokoje yo o kwa morago mme a atlarela lenaneo la temo ya ditlhare. Mme yo o dingwaga tse di masome mane le bone, a tlholega kwa Pitsane, o tlhaloseditse BOPA mo potsolotsong gore lorato lwa gagwe lwa ditlhare lo simolotse a santse a le kwa sekoleng se sebotlana. O tlhalositse gore o ne a nna le rraagwemogolo kwa Lejwana, mme e ne e re a tswa sekoleng a bo a tla a kgetlile kalanyana nngwe ya setlhare sa leungo mme a se jwale se be se gole se ungwe se jewe, mme a lemoga fa se e le mpho e a e filweng ke Modimo mme a tswelela fela jalo ka go rata ditlhare le go di lema. Mme Gasebonwe a re ka 2012 o ne a tsena thuto-puisanyo ya nyeletso lehuma kwa Dikhukhung kwa a neng a rutwa ka go tsamaisa kgwebo, mme morago ka 2013 ba lephata la dikgwa ba mo isa sekoleng a ya go rutwa go lema ditlhare kwa sekoleng sa temo-thuo mo Gaborone sebaka sa beke. A re fa a sena go aloga o ne a kopa setsha sa kgwebo mme ka lesego a atlega a bewa mo Dinatshana, mme ka 2015 ba ofisi ya nyeletso lehuma ba mo fa moriti o o sireletsang ditlhare, tanka ya metsi le ditlhare mme a semelela mo kgwebong. Mme Gasebonwe a re o lema ditlhare tsa maungo, moriti le dithunya di tshwana le morula, apole, pere, moologa, motlhware, mokgwapha, rose, lily le tse dingwe fela jalo. O tlhalositse gore o dirisa mmu wa ditlhare tse di tlhogang mo matlapeng go jwala dithare tsa gagwe, fa tse dingwe a di tlhoma mo motlhabeng fa a sa batle go di tlhoma mo dikhakheng morago a di tlhomololole. O rile kgwebo ya temo ya ditlhare e tshwana le ngwana yo monnye, e batla lerato le tlhokomelo e e tseneletseng go atlega, ka jalo o rwala masigo thogo a ya kwa tshingwaneng ya gagwe go lekola le go di nosa letsatsi le letsatsi. A re kgwebo ya gagwe ke ya paka go ya pakeng, a tlhalosa gore ditlhare tse fa di nole metsi mo mosong di a itumela mme di rutlomologe, mme fa go le mogote o di nosa ga bedi, gore di seka tsa swaba. O rile le fa theko e se kae mo kgaolong e ne ke moswela dikano yo o itlamileng gore ga a ke a ineele mo kgwebong e, e bile ba lephata la dikgwa ba mo kgothatsa le go mo rotloetsa go tshwara ka thata ka kgwebo e le selo se se batlang bopelotelele. A re phetogo mo botshelong e a bonala ka a kgonne go tsenya bana sekole, ka go ba rekela paka le dijo. A re kgwebo ya gagwe ga e ise e kwadisisiwe mme keletso ke gore mo tsamaong ya nako fa madi a letla a e kwadise a bo a ipapane ka methale e e tlhabologile jaaka go dirisa dikarata. Ka kgwebo e seke e tlhoka dikgwetlho o tlhaolositse gore letlhoko la metsi ke lone le emisang kgwebo le diji di tshwana le dipeba di a mo senyetsa. Mme Gasebonwe yo go bonalang e le mmadimphompho a re fa a ntse a tsweletse le kgwebo o eletsa go e tswakanya ka ya go dira mekgabisa ya ditlhare mo matlapeng e a supang a e itse le yone. O kopile Batswana go mo ema nokeng ka go reka ditlhare tsa gagwe gore kgwebo e seka ya phutlhama, ka Motswana a rile mabogo dinku a a thebana. O kopile Batswana go dirisa monyetla o ba o fiwang ke puso wa maneneo a nyeletso lehuma, a tlatsa ka go re ba seka ba itlhabelwa ke ditlhong. A re o ipelafatsa ka lenaneo ka o a phatsima botshelo bo tsweletse. A re se se mo utlusang botlhoko ke go bona mephato ya gagwe e enwa majalwa phetelela ba sa itirele sepe mme puso e otlolotse letsogo. O lebogetse seabe sa puso go bo e mo thusitse ka gore botshelo jwa gagwe bo fetogile, a tlatsa ka go re le ba bangwe ba ba filweng mananeo matshelo a bone a fetogile. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Somolekae o rotloetsa banni go itlhatlhobela malwetse Mothusa tona mo lephateng la botsogo D. Gloria Somolekae, o kgothaditse Batswana go etela dikokelwana tsa metse ya bone go itlhathobela malwetse a aketsang kgotlholo e tona, madi a matona le mogare wa HIV. Dr Somolekae o boleletse banni ba metse ya Kodibeleng le Poloka mo kgaolong ya Shoshong gore babusi ba lefatshe leno ba tshwenngwa ke batho bangwe ba e yareng ba thusiwa ka kalafi ba seke ba sale ditaelo tsa ngaka morago ka jaana bangwe ba bone ba sa nwe melemo le dipilisi ka nako e tshwanetseng, ntateng ya go itontela dino. A re ere ntswa lephata la gagwe le tshwere ka natla go sireletsa matshelo a Batswana mo malwetseng a tshwana le kgotlholo e tona, madi a matona, sukiri le mogare wa HIV, o tshwenngwa ke batho ba ba sa ntseng ba tsweletse ka go gweba ka mebele le go tlhoka go dirisa dikausu go iphemela mo malwetseng a tlhakanelo dikobo. Mme Somolekae o tsweletse ka go kopa bomme go amusa bana mashi a lebele ka jaana ana le dikotla tse di ka ba sireletsang mo malwetseng gammogo le mopalo. Dr. Somolekae o tlhaloseditse banni ba metse eo fa lefatshe la Botswana ele lefatshe la ntlha mo Africa go abela batho ba lone dipilisi tsa mogare wa HIV mahala e bile a bolela fa mmuso wa Botswana o tsweletse ka go thusa bana ba ba dingwaga tse tlhano goya kwa tlase ka kalafi mahala. Mme Somolekae a re ere ntswa ele keletso ya lephata la gagwe gore dikokelwana tsa lefatshe leno di nne le matlwana a pelegiso, baoki bale babedi kokelwana nngwe le nngwe, sebe sa phiri ke letlhoko la madi le le bakilweng ke go phutlhama ga itsholelo ya mafatshefatshe. E rile banni ba metse eo ba akgela mo diphuthegong tseo ba supa dingongora mabapi le letlhoko la dikoloi mo dikokelwaneng, letlhoko la motlakase, letlhoko la matlwana a pelegiso le tiego ya go ntsha maduo a batho ba ba itlhatlhobetseng malwetse. Bare letlhoko la dikoloi le tlhaelo ya bodiredi di dira gore baoki ba ketefalelwe ke go lekola batho ba meraka le dipolase tse di dikologileng metse ya bone ntswa ele tsamaiso ya badiri ba lephata la botsogo go lekola batho bao kgwedi nngwe le nngwe. Bokhutlo health 6 Tirisanommogo e a reketla kwa Kgalagadi Borwa Boeteledipele jwa metse mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa bo ngongoregile ka go tlhoka therisano le tirisanommogo magareng ga bone le ba lekgotla la kabo ditsha mo kgaolong eo. Ba buile mafoko a mo thuto-puisanong e ba neng ba e rulaganyeditswe ke ba lekgotla leo kwa Tsabong bosheng. Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha, Rre Jenkins Hiri o supile fa go le botlhokwa gore baemedi ba metse ba rerisiwe ka kabo ya lefatshe ka ba le itse botoka go na le bone. O supile fa go le botlhokwa gore ba nne le dipuisano le boeteledipele jwa metse ka seo se ka thusa thata mo kabong ya lefatshe e e tlhamaletseng e bile e le mo pontsheng. O tsweletse a tlhalosa fa lefatshe le tlhaela ka gonne ga le oketsege mme batho bone ngwaga le ngwaga ba a oketsega, jalo a kopa batsena thuto-puisano go ela tlhoko seemo seo. O kaile fa bokopano bo tshwana le joo bo ka thusa thata mo tharabololong ya dikgang tse di aparetseng lekgotla la kabo ditsha mo kgaolong ya Kgalagadi. Rre Hiri o tlhalositse gore go botlhokwa gore setshaba se tswe ka methale le maano a tiriso ya lefatshe go na le go supasupana ka monwana le ba lekgotla la kabo ditsha. Mokwaledi mo lekgotleng leo, Rre Abedinico Maphuru a re go na le dikgang tse gantsi ba kopanang le tsone di tshwana le go tlhoka kutlwisisano ga masika fa ba kopanetse didiba le tse dingwe ditlhabololo tse di dirwang mo motseng mme boeteledipele bo sa rerisiwa ka tsone ke ba lekgotla la kabo ditsha. Kgosi Gabariel Ntau wa Maleshe ene o kgadile thata ba lekgotla leo ka go tlhoka go nna le therisano le baemedi ba metse, mme a ba kopa go busetsa tshwaragano eo, ka e ka thusa go tlhofofatsa tiro ya bone. Mokhanselara wa Kokotsha Rre William Titus o kaile fa go le botlhokwa gore ba lekgotla la kabo ditsha ba netefatse gore ba diragatsa se ba se buang nako tsotlhe gonne nako e nngwe ke bone ba lotlhanyang morafe ka ditsamaiso tse di sa rerisanwang. Mogolwane go tswa kwa lekgotleng leo , Rre Chippa Tsimako o tlhaloseditse batsena thuto puisano fa go na le didiba tse di ntsi kwa kgaolong eo, mme go supagetse fa dingwe tsa tsone di sa kwadisiwa sentle ka fa molaong. A re ba lekile go tlhomamisa fa di leng teng, go di tsenya mo dibalamakgolong gammogo le go dira mealo ya tsone e e beilweng kwa dikgotleng . O kopile baemedi ba metse e e farologaneng go ba thusa ka go batla fa didiba di leng teng , ka seo se ka thusa thata mo go natefatseng palo yotlhe ya tsone le go itse beng. Mogolwane go tswa mo lekgotleng leo Rre Oduetse Otukile o rotloeditse batsena thuto –puisano eo go dira title deeds le lease go tlhomamisa gore setsha ke sa gago ka fa molaong. Rre Otukile a re dikgwetlho tse ba kopang le tsone di akaretsa dikoloto tsa batho ba ba sa dueleng ditsha tsa bone tse di tshwanelwang ke go duelwa le gore mo gongwe ba bo ba sa itse kwa bangwe ba bone ba leng teng. Mo mafokong a malebo, mopalamete wa kagolo Rre John Toto o galaleditse thata ba lekgotla la kabo ditsha ka thuto-puisano eo, a kaya fa seo se tla thusa go phimola dingongorego tsotlhe tse di ntseng di le teng magareng ga baemedi ba metse ba akaretsa dikgosi, ba komiti ya ditlhabololo gammogo le ba lekgotla leo. Mopalamente o supile fa go tshwanetse ga nna le tshwaragano gonne baemedi ba metse ba botlhokwa ka e le bone ba ka rarabololang dikgang tsa go tlhoka kutlwisisano tsa kabo ya ditsha. Bokhutlo politics 7 Ipelegeng e siame e senngwa ke batho Tona wa Ditsha le Matlo Rre Prince Maele o kopile banni ba metse ya Tswapong bokone go se kgotlele lenaneo la Ipelegeng ka ditsamaiso tse di sa letlelesegeng. Fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng ya Goo-sekgweng, Mokungwane, Goo-tau le Manaledi bosheng Rre Maele o boletse fa Ipelegeng e le lenaneo le puso e neng ya le dira go namola Batswana mo lehumeng mme go na le ditsetlana tse di tshwanetseng di salwe morago. Ka jalo a re go a swabiswa go bo Tautona wa lefatshe leno Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama a setse a ntshitse tlhobaelo ka dipego tse di nnileng teng tsa gore lenaneo la Ipelegeng ga le tsamaisiwe sentle mo pegong ya gagwe ya tekodiso ya setshaba. Rre Maele a re go nnile le dipego di le dintsinyana tse di amanang le Ipelegeng di akaretsa go sa thapeng ka tsamaiso e e letlelesegang, go gana go thapa mabaka e le a gore yo o batlang go thapiwa o amogela madi a tantabala le go thapa ka lesika kana botsala. O ne gape a bolela fa bangwe ba baeteledipele ba lenaneo la Ipelegeng ba gana go thapa banana mme go sa tshwanela gore go nne jalo. Rre Maele o tlhalositse fa lenaneo la Ipelegeng e le lenaneo le le sa kgethololeng mme le direletswe Motswana mongwe le mongwe. A re fa motho a na le bokgoni go dira mo lenaneong la Ipelegeng go a letlelesega gore a thapiwe. A re dipego tse dingwe tse di sa jeseng monate ke tsa gore ba komiti ya ditlhabololo tsa metse mengwe ba e leng bone ba eteletseng pele ba ba dirang mo Ipelegeng ga ba dire mo go kgotsofatsang go laola ba ba dirang. A re bangwe ba felela ba ikhutsa ka fa tlase ga ditlhare ba sa dire tiro e ba tshwanetseng go e dira mme ditiro tsa ditlhabololo di felele di salela kwa morago. Rre Maele o ne a ikuela mo banning bogolo jang dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ka e le bone ba ba tsamaisang lenaneo la Ipelegeng go emisa tse di sa letlelelweng go diragala mo Ipelegeng go fema kgotlelesego ya lone. BOKHUTLO society 9 Baithuti ba rutwa maele a botshelo Baithuti ba mophato wa bone kwa sekoleng se segolwane sa Masunga ba sa tswa go digela kampa e mo go yone ba neng ba rutuntshiwa ka maele a botshelo. Ithutuntsho eo, e e neng e tsenwe ke baemedi ba makalana mangwe ka go farologana jaaka sesole le sepodisi e wetse kgwedi eno e le malatsi a mararo. Fa a ntsha lefoko la kgothatso kwa bokhutlong jwa phuthego eo, moemedi go tswa kwa sesoleng sa Botswana, Captain Kago Kgari o ne a gwetlha baithuti go tlhomamisa gore ba tsaya ditshwetso tse di maleba mo botshelong. O ne a ba gakolola kgatlhanong le go inaakanya le ditiragalo tse di sa itsagaleng, tse e ka reng phelelong tsa ba senyetsa bokamoso. A re ba tshwanetse ba netefatsa gore ba nna le boitsholo jo bo eletsegang jo bo ka ba isang golo gongwe mo botshelong. Captain Kgari a re baithuti ba tshwanetse ba itse fa e le bone ba tsogang ba goga lefatshe leno, ka jalo ba tshwanelwa ke go reetsa bagakolodi ba bone le gone go reetsa molao wa batsadi, ka e le bone ba ka ba thusang go tsaya ditshwetso tse di maleba. O tsweletse a re baithuti ba mophato wa bone, ba tshwanelwa ke go itse fa mo ngwageng o o tlang ba tlaa bo ba tsena mo mophatong wa botlhano, e leng one o ba bulelang dikgoro tsa go ya kwa dikoleng tse di dikgolwane tsa ithutelo ditiro, ka jalo ba tshwanelwa ke go tla ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go fenya ditlhatlhobo tsa bone. Mongwe wa bagakolodi go tswa mo komponeng ya I-Six Logistics, Rre Pangaman Kaisara o ne a tlhaba baithuti podi matseba gore, gore ba kgone go fenya mo botshelong, ba netefatse gore ba tsaya kgato mo sengweng le sengwe se ba se dirang. Fa a ntsha la gagwe, mogokgo wa sekole sa Masunga, Mme Mmadube Letsholathebe o ne a supa fa a na le tshepho ya gore ithutuntsho eo, e tlaa fetola boitshwaro jwa baithuti le ka fa ba ntseng ba leba dilo ka teng, ka jaana ba filwe maele otlhe a botshelo a a ka ba kgontshang go lebagana le dikgwetlho tse ba ka kopanang natso. Mme Letsholathebe o ne a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo bothibelelong joo, a leboga segolo jang ba sesole le sepodisi, a re ba dirile namane e tona ya tiro ya go rutuntsha baithuti bao. Gone kwa bothibelelong joo, go ne ga nna le maitiso a ngwaga e le tsela nngwe ya go leka go rotloetsa ngwao mo bananeng. education 4 Ba Themashanga lebogela pula E re ntswa dipula tse di gosomaneng bosheng di bakile tshenyo fale le fale mo motseng wa bone, banni ba Themashanga ba tletse ka boitumelo ka jaana monongwaga ba tla bona thobo e e nametsang go tswa mo masimong a bone. Kwa moletlong wa go lebogela pula o o neng o tshwerwe kwa kgotleng ya motse oo ka Labotlhano, Mopitlo a tlhola malatsi a le masome mabedi le bongwe, Kgosi Mabalane Thaba o ne a supa fa go fetile dingwaga di ka feta masome a mane motse wa Themashanga o sa amogele pula ya selekanyo sa e e neleng monongwaga. A re dingwe dinoka tse di neng di sale di tshwara metsi la bofelo ka dingwaga tsa bo1972, monongwaga di eme metsi, tiragalo e mo bananeng e leng santlha ba bona e diragala. Kgosi Thaba o ne a lebogela mokgosi o tautona Lieutenant General Seretse Khama Ian Khama a neng a o tlhaba gore lefatshe leno le goeletse kwa Modimong go kopa pula ka nako e seemo sa komelelo se neng se bifile. “Lefatshe le ne le omile, loruo le ne le e swa, mme gompieno re mo boitumelong jo bo seng kana ka sepe,” a tshwaela jalo, a gatelela botlhokwa jwa gore go bo go tshwerwe moletlo wa ditebogo morago ga gore morafe wa motse wa Themashanga o bo o ne o phakelela kwa kgotleng mo kgweding yotlhe ya Lwetse go rapelela pula. Kgosi o ne a gwetlha morafe wa gagwe go lemoga gore le fa gone go nnile le tshenyo e e bakilweng ke pula segolo bogolo e e amang ditsela, ba tshwanetse ba lemoga fa tse di molemo tse di tlisitsweng ke go gosomana ga pula di fekeetsa masula ape a a diragetseng. A re se se botlhokwa se ba tshwanetseng ba se ela tlhoko ke gore dilo tsotlhe tse di senyegileng ke tse di ka baakanngwang, ka jalo ba sa tshwanela go itetla go aparwa ke khutsafalo e e feteletseng. Fa a ema kokoano eo ka lefoko, moruti Rre Sonny Chiliwa o ne a gakolola morafe wa motse wa Themashanga go seke ba lebala Modimo mo mabakeng ape fela a botshelo ka ba setse ba bone ka a bone matlho fa e le boammaaruri Modimo o araba thapelo. Le fa go ntse jalo moruti Chiliwa o ne a ba gwetlha go ela tlhoko gore fa pula e nele ka bokete go kgona go nna le tlhagogo ya malwetse mangwe a tshwana le jwa letshoroma, a re morafe o tshwanetse wa dira tsotlhe tse di kgonegang go dibela matshelo a bone mo ditiragalong dipe tse di ka bakwang ke go ema ga metsi mo motseng wa bone. Mo ntlheng e nngwe, o ne a ikuela mo banning go nna kutlo mo bagoging ba motse segolo jang mo go kgosi, a supa fa go dira jalo go ka tlhomamisa gore motse wa bone o robalelwa ke ditlhokwa. Monni wa motse oo, Mme Kesentsemang Masole o ne a lebogela puso go bo e e fa balemi dipeo, a bolela fa dithuso tsa motlhale o di tsweletse ka go tlodisa Batswana dinokana di tletse. O ne a gakolola banni gore ba ba tla fiwang dipeo mo pakeng e e tlang ya temo ba tlhomamise gore ba a lema gore ba tle ba kgone go itirela dijo mme malwapa a bone a kgone go oba letsogo. A re go ka nna thona gore e re puso e leka go ba thusa ka fa e lekang ka teng, malwapa mangwe a bo a santse a ka wela mo isong ka ntlha ya tlala. Mme Masole o ne a kopa bao ba ba lemileng go lemoga botlhokwa jwa go arogana thobo ya bone le bao ba bone ba sa huparelang sepe. A re e re ka jaana go tswa gooLowe Motswana a ne a dumela mo go reng bana ba motho ba kgaogana tlhogwana ya tsie, e ka nna selo se sentle gore morafe wa motse wa Themashanga o tlhokomelane ka go tlhomamisa fa ope a sa lale ka tlala. Kwa bokhutlong jwa tiro eo, banni bangwe ba ne ba abela kgosi ditswa-tshimong di akaretsa mmidi, maphutshi le dinawa, fa dingwe tsa dijo tseo tsone di ne tsa jelwa gone fa kgotleng e le tsela ya go supa botlhokwa jwa go arogana sepe se ope mo motseng a ka tswang a segofaditswe ka sone. BOKHUTLO society 9 Kgokgontsho ya bong e iphile maatla kwa Tsabong Dipalo di supa fa kgokgontsho ya bong e le kwa godimo mo kgaolong ya Tsabong le metse e e mabapi. Mafoko a, a builwe ke mookamela mapodisi a Tsabong Supurintendent Christopher Tlhapi-David mo thuto-puisanyong e e neng e rulagantswe ke ba lekgotla le le ikemetseng la KGASONGO Association. O tlhalositse fa mapodisi ba itemogetse fa go ya ka dipalo tsa dikgang tse ba di amogetseng, ba-tswa setlhabelo gantsi e nna bomme le bana ba basetsana. A re ka 2016 ba kwadisitse dikgang tsa petelelo di le nne, tsa dititeo di le masome a mabedi le borobabongwe fa molato wa go bolaya o ne o le mongwe. O tlhalosa gore melato ya go itaya motho a bo a nna le dikgobalo tse dipotlana yone e ne e le lesome le bongwe. Mookamela mapodisi a Tsabong o tlhalositse gore ba ne ba kwadisa melato ya borre ba ba tlhakanelang dikobo le bana ba bannye e le lesome mme bontsi jwa bone e le bana ba sekole. O tlhalositse fa ba itemogetse gore gantsi badira molato ba a bo ba itontetse nnotagi le diritibatsi tse dingwe tse di dirang gore ba felele ba kgokgontsha batho. Rre Tlhapi-David a re e re ka kgokgontsho ya bong e le mefuta, ba itemogetse gape gore go na le bangwe ba ba dirang melato ka ntata ya go tlhoka kitso, mme a re go botlhokwa gore setshaba se nne se rutwa ka dikgang tsa mofuta oo. A re e re le ntswa dipalo di supa fa bomme e le bone ba-tswa setlhabelo, go na le borre ba ba kgokgontshiwang mme ba tlhajwa ke ditlhong go ikuela. O tlhalositse fa mokgwa o o sa siama ka jaana batho ba mohuta oo e le bone ba ba feletsang ba dirile melato ya go bolaya batho, ka jaana ba a bo ba kgokgontshitswe ka lobaka mme ba tlhokile go ka thusiwa. Supurintendent Tlhapi-David o ne rotloetsa borre go nna ba ikuela kwa go ba molao fa ba kgokgontshiwa go hema diemo tsa gore e re kwa bofelong ba bo ba bolaya batho kana ba ipolaya. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Gabriel Ntau o tlhalositse gore kwa dikgotleng tsa bone ba itemogetse gore bothata jo bo teng ke gore batho ba nna mmogo ba sa nyalana. O tlhalositse fa gantsi bana ba tlogelwa ba tsamaya ba le nosi masigo mme se se felela se dira gore ba iphitlhele ba tsene mo ditirong tsa botlhoka tsebe. Dibui ka go farologana ba ne ba supa fa batsadi ba tshwanetse go tsaya boikarabelo mo go kgalemeleng bana le gone go ba bontsha tsela ya tshiamo ka go lebega mo malatsing ano ba tlhabile kgobe ka mutlwa mme ba tloge ba di tlhaolela di bekerwe. crime_law_and_justice 1 Monana o itshetsa ka go loga Ka methale ya khumo e le mentsi, e tlhoka fela balatedi, Mme Gaoage Bohedile, monana yo o dingwaga di masome mararo le bongwe wa kgotla ya Botshabelo kwa Maun, ga a ka a ipona tsapa go inaakaya le o a bonang o ka mo thusang go oba seatla, ka jaana o itshetsa ka go loga moriri. Mo potsolotsong bosheng, a re o simolotse ka go bereka mo madirelong a meriri a le mmalwa mme morago a bona go tshwanela gore a itshimololele a eleng a gagwe ka madi a a neng a ntse a ipeela. Gaoage a re o ne a hirisa lefelo mme a duela dikete tse pedi kgwedi le kgwedi, a tlhalosa fa a simolotse a na le badiri ba le babedi morago yo mongwe a tlogela mme ba sala ba le babedi. A re o itebagantse thata le go dira moriri wa ‘dread’ ka a re ke yone o nang le madi gape e bile e le one a o itseng thata go feta e mengwe. Gaoage o tlhalositse fa batho ba kgatlhegela go bona tiro e a e dirang e mme e bile bangwe ba kgona go tswa bokgakala bo tshwana Gumare go tla go tshwarwa ka tlhogo, selo se a boletseng se mo itumedisa thata. Mme Bohedile a re o ne a batlile go dira kopo ya madi a banana go atolosa kgwebo ya gagwe mme ka dingwaga tsa gagwe di sa mo letle, se, se ka se kgonege. Le fa go ntse jalo, a re madi a bonang o kgona go tshetsa bana ba gagwe ba babedi ka one. Fa a tlhalosa, a re dikgwetlho tse a kopang le tsone ke madi a a kwa godimo a go hirisa, letlhoko la babereki le palo e e kwa tlase ya batho ba ba tlang go dira moriri fa gare ga kgwedi. Mme Bohedile a re o batla go bona kgwebo ya gagwe e godile mme e bile e setse e aname le lefatshe lotlhe, a tlatsa ka gore le ene o batla go ipona a tseneletse ditshupo. Gaoage o rotloeditse banana ka ene go ema ka dinao, go itirela ka diatla tsa bone le go tlogela go ikaega mo go borre, a re selo se se ka baya matshelo a bone mo diphatseng. economy_business_and_finance 3 Tona Mzwinila o akgola VDC ya Mogapinyana Mothusa tona wa tlhabololo banana, motshameko le ngwao, Rre Kefentse Mzwinila o akgotse komiti ya ditlhabololo (VDC) ya Mogapinyana ka go fa ba lelwapa la ga Mabele seriti ka go ba agela ntlo. Fa a bula ntlo eo semmuso bosheng, Rre Mzwinila o akgotse VDC ya Mogapinyana go bo ba supile mowa wa kutlwelobotlhoko mo go ba ba tlhokileng lesego ba dirisa dikatso tsa bone tsa VDC. A re dikatso tsa VDC ga se madi a mantsi mme maloko a komiti e a kgonne go agela motlhoki ntlo. O ba kgothaditse go tswelela ba supa mowa wa kutlwelobotlhoko mo banning ba motse o, mme a lebogela kemonokeng e ba e fileng puso ya lefatshe leno. A re puso e le nosi ga e kake ya kgona, ka jalo seabe sa Batswana se botlhokwa go thusa bangwe ka bone. A re Batswana go tewa tshaba e e tlotlang puso ya batho ka batho, e e ratang kagiso le thokgamo e bile e thusa ba bangwe. A re lefatshe leno le se e leng sone ka mowa wa boipelego le kutlwelobotlhoko, ka jalo go botlhokwa go tsamaya mo dikgatong tsa bagologolo ba e leng bone ba thaileng lefatshe leno, go tlhabolola lefatshe leno le go fa Batswana ba ba tlhokileng lesego seriti. Rre Mzwinila yo o nnileng le seabe mo go thuseng VDC go aga ntlo e, o itlamile go thusa VDC ka P1 000 fa ba agela motlhoki yo mongwe ntlo. Fa a tswa la gagwe, mothusa mokwaledi wa khansele-potlana ya Palapye, Rre Mogorosi Kokoro le ene o akgotse VDC ka dikakanyo le tlhabololo e ba e dirileng. A re se ba se dirileng se tsamaelana le lenaneo la tlhabololo magae le le ka fa tlase ga lephata la boipelego. Leloko la komiti ya ditlhabololo, Mme Esther David a re go ne go se motlhofo go aga ntlo e mme a lebogela gore kwa bofelong ba kgonne go fetsa ntlo e mme ba e abela lelwapa la ga Rre Keeme Mabele. A re bagologolo ba re sejo sennye ga se fete molomo, ka jalo ba ile ba tsaya bontlha bongwe jwa dikatso tsa bone go agela ba lelwapa le. A re Rre Mabele o ne a sena fa a bayang tlhogo teng mme ba nama ba mo adimile ntlo ya VDC ba santse ba mo agela. O lebogetse botlhe ba ba nnileng le seabe mo kagong ya ntlo e mme a kopa kemo nokeng ya banni ba Mogapinyana, bogolo jang mo ditirong tsa kutlwelobotlhoko. Fa a amogela ntlo eo, Rre Keeme Mabele o lebogetse ntlo e mme a itlama go e tlhokomela. BOKHUTLO society 9 Dipeba di tlhorontsha balemi Balemi bangwe ba masimo a Chaa go bapa le motsana wa Tubu ba lela selelo sa khuranyo ya meno ka dipeba tse di tlhasetseng thobo e ba e bolokileng. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, molemi wa masimo ao, Mme Othusitse Kebalepile a bolela fa dipeba di le dintsi fela thata e bile di setse di bakile tshenyo e e seng kana sepe. Mme Kebalepile a re o senyegetswe ke dikgetsi tsa mmidi di le tlhano mo go tse di masome a mararo le boraro tse a di robileng monongwaga. A re dipeba tse di jele maphutshe a gagwe a feta masome a mararo mme ba lekile go di lwantsha le ntswa di sa fokotsege. Mme Kebalepile o boletse fa a lekile go di tshwara ka selaga ya dipeba, go di jesa chefi le motswako o di ngaparelang mo go one mme go lebega di setse di itse dilaga le motswako oo ka ga a sa tlhole a di tshwara ka dipalo tse di utlwalang le ntswa tsone di tsweletse ka go senya phetelela. O tsweletse a re o bolokile thobo ya gagwe mo ntlong ya Setswana mme o lemogile fa go le botlhokwa go aga ntlo ya semente e dipeba di ka sekeng di e phunye go tsenelela thobo mme maiteko a a folodisiwa ke letlhoko la madi. A re le mororo thobo e nnile ntsi thata monongwaga ga ba na kwa ba ka e rekisang teng le mororo thobo e nnile ntsi thata monongwaga ga ba na kwa ba ka e rekisang teng. Mme Maria Xhose le ene o boletse fa dipeba di mo senyeditse mmidi le dipeo tsa magapu le tsa maphutshe e bile di jele le diaparo tsa bana ba gagwe tsa sekole. Bokhutlo society 9 Seboni o kgothatsa banni go phepafatsa Kumakwane Kgosi Chomie Seboni wa Kumakwane mo kgaolong ya Kweneng o kopile banni go tsaya maikarabelo a go phepafatsa motse ka o le leswe fela thata. E rile a bua mo potsolosong bosheng, Kgosi Seboni a re motse o tletse ka leswe la dipampiri, dipolasitiki le metseto. “Metseto e e ntshwentse fela thata ka gore ke ipotsa gore a ke ya batho ba Kumakwane kana ya bafiti le tsela ka gore o tla fitlhela e tletse lemo maemelong a dibase e bile dipolasitiki tse di e tsentseng di kgagotswe ke dintsa mme seo se dire bosutlha jo bo sa eletsegeng ga mmogo le borai mo leruong le le gobeyang mo mekgwatheng,” Kgosi Seboni a tlhalosa. A re o lemogile gore leswe la metseto le ile magoletsa morago ga gore kokwelwana ya bone e emise go tsaya metseto eo dikgwedi tse tharo tse di fetileng. Mongwe wa maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Thanolo Hendrick a re ba ne ba itlama go sela matlakala le metseto ka lenaneo la Ipelegeng mme ya re morago ba lemoga gore tiro ya ba ketefalela mme ba emisa. Mme Hendrick a re, ba emisitse go sela matlakala ka koloi e e tsayang matlakala ya khansele e ne e tsaya dikgwedi go tla mme seo seba busetsa kwa morago ka gore dintsa di ne di gasa gasa matlakala ao, mme go sa le go sa bonale gore a mme go kilwe ga phepafadiwe. Monana, Mme Keamogetse Katumetse a re ene o eletsa gore e kare batho ba ka fokotsa go dirisa metseto eo ka bontsi, mme ba dirise e e tlhatswiwang go tokafatsa seemo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Monana ga a neela tshwene marapo E re ka malatsi ano banana ka bontsi ba ikaegile ka mananeo a puso, monana wa kgotla ya Basimaneng, Gaonyadiwe Thapi o ne a ipelega ka go ya go ithuta tiro ya diatla le ba Naledi Baptist Church go itshetsa kwa Gaborone. Mme yo, wa dingwaga tse di masome mararo le borataro o ne a tlhalosa mo potsolotsong gore ntswa a ne a ntse a bereka e le modisadikago, tsala ya gagwe e ne ya mo laletsa go ya go ithuta tiro ya diatla ka se se ka tlatsa dituelo tse a di amogelang. Mme Thapi, yo o tllholegang kwa Serowe, o ne a ithuta go dira dikgwama tsa bomme, dibaga tsa melala le go roka. “Re dira tiro e ntsi ka diatla jaaka malengana, mekgabisa, dikgwama e bile go roka ka motshine ga go gontsi,” a bua jaana a supa selopo sa mosamo se a neng a se kgabisa ka diatla mme a supa fa a tsile go dirisa motshine fela a setse a se kopanya. Mme Thapi o tlhalositse fa a sa ntse a le mo dithutong mme a setse a ithutile go le gontsi. O supile fa a itumeletse dithuto tse ba di anywang mo go Mme Edna Carrmona yo o leng leloko la kereke eo go tswa kwa Brazil, a tlhalosa fa ba rutwa mahala. “Mme Carmona ke mongwe wa baithaopi ba Naledi Baptist ba ba tsileng go re ruta tiro ya diatla mahala, se e le tsela nngwe ya go rudisa itsholelo ya bomme ba Batswana,” a tlhalosa jaana a supa fa ene a ela dithuto mme go sa patelesege gore e bo e le leloko la kereke. O boletse gape fa ba rutwa botsipa jo e le maloko a bomme ba setlhopha ba le masome mabedi le botlhano mme ba ipiditse Blessed Hands Group. Mme Thapi o tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go tswelela e nna setlhopha mme ba rute bomme ba bangwe go roka le go dira mekgabisa ya bomme le dikgwama gore ba rekise ba ithuse ka dipoelo. “Keletso ya rona ke go ruta bomme ba bangwe mo magaeng a rona go godisa kgwebo le go amogana botsipa. O supa fa kereke e ba solofeditse fa ba tlaa ba ema nokeng ka go ba thusa go ya go supa dilwana tsa bone kwa ditshupong dikgolo tsa Gaborone monongwaga mme gape ba ba thuse go di bapatsa le kwa Brazil. A re gape fa bangwe ba bone ba dira sentle, ba kereke ba supile fa dilwana tsa bone di tlaa ya go bona mmaraka kwa Brazil kwa ba tlaa yang go ya go phadisanya le ba bangwe teng. O tlhalosa fa ene a setse a rutile mme mmaagwe yo o setseng e le moroki gore a atolose kgwebo ya gagwe. Mme Thapi o rotloeditse banana go inaakanya le mekgatlho e e tshwanang le dikereke go ithuta le go ithaopa mo go yone go itsa go ikaega fela ka dithuso tsa puso. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Sekotsekara se borai Bana ba sekole se sebotlana sa Werda ba gakolotswe go emisa go kgweetsa dikotsekara ba le bosi ka go le borai e bile go na le kgonagalo e e kwa godimo ya dikotsi. Kgakololo e, e builwe ke leloko la komiti ya ipabalelo tseleng mo Kgalagadi Borwa, Mme Masego Riez bosheng mo letsholong la go gasa molaetsa wa ipabalelo tseleng ka lenaneo la Back-to-School kwa sekoleng seo. Mme Riez o boletse fa maikaelelo magolo a komiti eo e le go gasa molaetsa ka ipabalelo tseleng ka seo se ka ba thusa go ikgapha mo dikotsing. Bana bangwe ba ne ba supa fa batsadi gantsi ba ba roma go ya go rwalela le go ga metsi ka dikotsekara kwa merakeng. Mme Riez o ne a kaya fa sekotsekara se ka kgweediwa fela ke ngwana yo o dingwaga tse di lesome le bobedi go ya kwa godimo ka a na le boikarabelo e bile a ka kgona go fema kotsi. O kaya fa gape dikotsekara di tshwanetse go tsenngwa dipekepeke gore di kgone go lemogwa sentle ke bakgweetsi fa go le bosigo, a tlhalosa gape ka fa ditonki di tshwanetseng go golegwa ka teng mo go babalesegileng ka bobedi e seng ka bontsi. O ne a ba gakolola go tlhoka go tshamekela mo ditseleng ka ba ka felela ba thulwa ke dikoloi, a supa fa mabala e le one mafelo a a babalesegileng gore ba ka tshamekela mo go one. Mogolwane go tswa mo sepodising sa Werda mo lekalaneng la pharakano, Inspector Jimmy Rasina o ne a tlhalosetsa bana ka fa ba tshwanetseng go kgabaganya tsela ka teng. Inspector Rasina o ne a supegetsa bana mekwalo e e rutang ka ipabalelo tseleng, mme morago ga dithuto tseo lekoko leo, le ne la nna le sebaka sa go botsa bana dipotso mabapi le se ba se rutilweng, mme ba ba neng ba kgona go araba ba ne ba ba neelwa dimpho go ya ka mephato ya bone. Komiti eo, e e neng e ikgaogantse ka ditlhopha tse nne mo letsholong le, mo nakong ya gompieno e setse etetse sekole se sebotlana sa Kolonkwaneng, Bogogobo, Sam Mackenzie le Werda. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Lenaneo la nyeletso lehuma le solegela Bulawayo molemo Ntswa bangwe ba nyatsa lenaneo la nyeletso lehuma, Rre Khumo Bulawayo kwa Serowe ke mongwe wa ba ba atlegileng thata ka thuo ya dikoko tsa Setswana. Fa a bua mo potsolotsong le Ka a ne a itse lorato lwa gagwe mo thuong, a gwetlhega go tsaya dikoko gore a kgone go bona ditoro tsa gagwe. O tlhalositse fa a simolotse kgwebo ka 2012 ka dikoko tsa Setswana di le masome mabedi le botlhano, tse di namagadi di le masome mabedi le bongwe le tse ditonanyana di le nne. O ne a agelwa le hoko. Rre Bulawayo o tlhalositse fa kgwebo e ya go rua dikoko e tsisitse diphetogo mo botshelong jwa gagwe le fa a na le dikgwetlho di tshwana le bolwetse jwa mokorobela. A re dikoko di le dintsi di ne tsa bolawa ke mokorobelo mme ga a ka a ipona tsapa, ka a ne a ya kwa di ofising tsa ba twantsho malwetsi a loruo go ba itsise ka seemo se, mme ba mo araba ka gore ba tla a bona gore o ka thusiwa jang mme le ka jaana a ise a bone thuso. A re nngwe ya dikgwetlho ke dipula, ka jarata ya bone e tlala metsi, mme seo se felele se bolaya dikoko ka dipalo tse dintsi. A re ngwaga le ngwaga dikoko tsa gagwe di a swa, mme o ne a begela ba khansele ka seemo seo mme ga gona nko epe e tswang lemina. Rre Bulawayo a re mo gongwe ke gore fa a di buletse gore di iphukise phefo baagisanyi ba a ngongorega ba re di a ba senyetsa, se se dire gore a di tswalele mo hokong go fokotsa dikgotlhang. Le fa go ntse jalo, o boletse fa dipoelo e le tse di sa kgotsofatseng ka gore dikoko tsa gagwe di rekwa ka nako tse dingwe, mme fela o kgona go rekela dikoko tsa gagwe molemo le ene a ithuse ka tse a ditlhokang. O tlhalosa gore fa ene e se ka dipula le mokorobela, o ka bo a bona madi a kgotsofatsang. Morui yo, o rotloetsa banana le botlhe ba ba tsereng mananeo a nyeletso lehuma go nna pelotelele mo dikgwebong tsa bone, a re le fa kgwebo e sa dire sentle ba tshwanetse go itsetsepela mme ba nne le tsholofelo ka dinako tsotlhe. Rre Bulawayo o gwetlhile banana gore ba santse ba na le nako, a ba kgothatsa go tsaya mananeo a puso ka tlhoafalo ba inaakanye le one segolo bogolo one a temo-thuo, ka gore ditiro ga di bonale mo malatsing a gompieno. “Keletso ke gore ba mananeo ba tswelele ka go thusa ba ba itekang, a tlatsa ka go re fa bolwetse bo go tshwenya ba tle go bona gore ba ka thusa jang.” O bile a lebogela puso gore e mo thusitse le ntswa go na le dikgwetlho. economy_business_and_finance 3 Ba Lephephe ba batla tlhaloso Banni ba Lephepe mo kgaolong ya botlhophi ya Letlhakeng/Lephepe ba kopile mopalamente wa bone go ba tlhalosetsa ka botlalo gore tota tota bone ba wela fa kae mo ditlhabololong. Ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo Rre Liakat Kably jaaka fa a ne a ba etetse go ya go ba lekola, a tsaya megopolo mo go bone mmogo le gone go ba rolela tse di builweng kwa palamenteng e e sa tswang go wela. Mongwe wa batsena phuthego Rre Julius Mabetwa are kgang e ea ba tshwenya ka fa e sale ka kgaoganyo ya melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi pele ga ditlhopho tsa setshaba tsa ngogola e e neng ya feletsa e ba digela kwa kgaolong ya Letlhakeng, are ga ba sa tlhole ba tlhaloganya gore tota thulaganyo e e maleba ya go kopa ditlhabololo e ko kae. A re mo nakong eno tsholofelo ya bone e ne e le gore makhanselara a bone a bo a tsenela phuthego ya khansele kwa khanseleng ya Letlhakeng, mme jaanong se se ba gakgamatsang e le go bo makhanselara a bone a santse a tsena diphuthego kwa Lentsweletsau le mororo e le ba kgaolo ya Letlhakeng. A re fa e le gore puso e ne e kgaoganya melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi e lebile sengwe, bone jaanong e le banni ba metse e e digetsweng ka kwa Letlhakeng ba tlogetswe mo legoeleleng mme e bile se se a ba babalela. Banni ba supile fa tumelo ya bone e le gore makhanselara a bone a tshwanetse ba tsenela diphuthego kwa Letlhakeng, mme ebile le bone ba tshwanetse ba ba sala morago go ba tlhatlhelela ka megopolo ba tlhaloganya sentle gore ba lebile kae. Fa a ba kgwa dikgaba mo matshwenyegong ao a bone, Mopalamente Rre Kably o ne a ba bolela fa kgang eo ya bone a e itse ka botlalo mme e bile ba setse ba kile ba tsaya kgato ene le lekoko go tswa mo kgaolong go kopana le tona wa Dikgaolo le tlhabololo Magae Rre Slumba Tsogwane yo a neng a tlhalosa fa makhanselara a kwa Lephepe a ka se kgone go tsenela phuthego kwa Letlhakeng ka mabaka a gore khansele potlana ya Lentsweletau e ka phutlhama. A re mme ga baa itlhoboga ka ba ne ba sa kgotsofadiwe ke karabo eo, ka jalo ba fetiseditse kgang eo kwa go mothusa tautona yo ba santseng ba solofetse karabo go tswa go ene. Mopalamente o ne a lekodisa morafe wa Lephepe ka dikgang di akaretsa molao kakanyetso wa matimela, lenaneo la SHAA, kwadiso ya matsalo le Omang le thuto ya go bala le go kwala magareng ga tse dingwe. BOKHUTLO politics 7 Mothusa tona Kwerepe o akgola badirelapuso Mothusa tona wa Merero ya Ofisi ya ga Tautona, le Bodirela puso, Rre Thato Kwerepe a re le fa badirelapuso ba lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi jang, ba leke ka bojotlhe go isa ditlamelo kwa bathong. Rre Kwerepe o boleletse badirelapuso kwa Sowa bosheng gore maduo a a bonala ka ditirelo le ditlamelo di a goroga kwa bathong ka nako le ntswa bangwe ba tlhaelelwa ke didirisiwa le gone ba sena fa ba latsang tlhogo teng tota. A re badirelapuso ba lebanwe ke go akgolwa ka ba diragatsa thomo ya puso. O ne a ba kopa go bereka ba le seopo sengwe e bile ba le ngatana le go amogana didirisiwa go isa ditlamelo kwa bathong. Rre Kwerepe a re bontsi jwa matshwenyego a badirelapuso ke dikgwetlho tse ba ka kgonang go di rarabolola ka bobone, a kopa tirisanyo mmogo ya baeteledipele ba maphata le badiri ka bone. Gape o ne a kopa badirelapuso go ikgapha mo ditirong tsa tshenyetso setshaba le go amogela dimpho, a re seo se diga itsholelo ya lefatshe. O ne a kopa badirelapuso go tlogelela mapolotiki polotiki, a re bone tiro ya bone ke go rekisa le go diragatsa mananeo a puso le go bona gore batho ba a bona ka tshwanelo. Gape o ne a ba kopa go sala melawana e some morago a re ke Baebele ya badirelapuso. Kgosi Bond Mabalane wa Sowa o ne a lebogela mothusa tona tiro e ntle e a e dirang ya go tsamaya a lekola badirelapuso, a re ke selo se se botlhokwa se se tlaa tiisang babereki moko. A re puso e na le tsamaiso e e siameng ya mananeo mme selabe se tla le motsaya-kgamelo, a kaya fa puso e latlhegelwa ke dikete tsa madi ka dikgang tsa badirelapuso. Gape o ne a kopa puso go otlhaya baeteledipele ba go supagalang fa ba nnile le boitseme mo tirong ka go ikgatholosa tiro. Kgosi o ne a bolela fa toropo eo go nna babereki fela ba nna mo matlong a BHC, a re kgang e e sa ba jeseng di welang ke gore matlo ao mo nakong e e tlang a tlaa bo a duelwa ka seelo sa mo mmarakeng, selo a kaileng fa bangwe ba ka seke ba se kgone. Badirelapuso ba Sowa ba kopile puso go sekaseka gape toropo eo mabapi le lenaneo la Remote Areas Service Allowance (RASA). Rre Joseph Nlanda a re go bo Sowa a tlhomilwe toropo ke phoso ka ba mo sekakeng e bile ba kgakala le ditlamelo, mme le madirelo a a teng ditlhwatlhwa tsa dithoto tsa one di kwa godimo. Rre Nlanda o ne a kopa puso go sekaseka gape lefelo leo go bona gore a ga le a lebaganwa ke go amogedisa babereki bonnye jwa go berekela kgakala le ditlamelo. Fa a araba mangwe a matshwenyego a, Rre Kwerepe o ne a ba kopa go kwala ba ntsha mabaka ka go ikopela RASA. O tlhalositse fa lenaneo leo la RASA le neelwa badirelapuso ba mafelo a bone go senang sekontere. BOKHUTLO politics 7 Bogodu jwa ditonki bo ile magoletsa Balemi ba masimo a Modoole le Makoro gaufi le Palapye ba tshelela mo selelong ntateng ya bogodu jwa ditonki jo bo ileng magoletsa kwa masimong a bone. Banni ba boleletse mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwaretswe kwa masimong a Modoole le Makoro bosheng. Mongwe wa balemi, Mme Goitsemang Bareki a re borukutlhi bo ile magoletsa mo masimong, a tlhalosa fa ba sa tlhole ba na le ditonki. Mme Maipelo Tiro ene a re leruo la bone mo masimong le a tsewa mme fa ba latedisa motlhala o wela ko Palapye. A re dikgang tse di bakile dintwa fa gare ga bana ba ba nnang ko Palapye le ba ba nnang ko masimo ka ntateng ya bogodu ja ditonki.Mme Tiro a re ditonki tsa bone di setse di fedile ntswa e le tsone tse ba di ikantseng. A re sebe sa phiri ke gore fa ba begela mapodisi a Palapye dikgang tse ga ba di tsibogele ka nako, a tlhalosa fa ba setse ba sena tshepho mo mapodising.Fa a tswa la gagwe Mopalamente Goya o tlhalositse fa bogodu jo bo bakiwa ke theko ya nama ya tonki mo Palapye. A re o tlaa bua le dikgosi gore ope yo o batlang go reka tonki a e rekele kwa kgotleng fela jaaka go dirwa ka dikgomo. Mothusa mookamela mapodisi a Palapye Assistant Superintendent Makhura o rotloeditse balemi ba ba utsweditsweng ditonki go begela mapodisi dikgang tsa bone mme a ba kopa gore ba seka ba tlhoboga mapodisi. A re bogodu jwa ditonki bo ntse bo tshwenya thata kwa masimong a Dikabeya mme ba ba amegang ba setse ba tshwerwe. Assistant Superintendent Makhura o tlhalositse fa a tlaa sala kgang ya bone morago mme a konotelela ka gore e le ba sepodisi ba rotloetsa mapodisi go thusa setshaba ka nako. A re fa setshaba se sa itumela ba na le sebaka sa go pagamelela kwa godimo go begela ba bagolwane. crime_law_and_justice 1 Kgosi wa Mabudzane o lela ka bogodu Kgosi Nchidzi Ndzimumbi wa Mabudzane mo Bokone Botlhaba a re o tshwentswe ke borukutlhi jo bo tsweletseng ka go golela pele mo motseng wa gagwe. Mo potsolotsong le A re ka motse wa gagwe o le gaufi le molelwane wa Zimbabwe, ba tshabelelwa ke go senyediwa ke batswakwa ba bo ba boela ga bone. Kgosi Ndzimumbi o tlhalositse fa borukutlhi jo, bo akaretsa go utswiwa ga megala ya motlakase, go thujwa ga matlo le gone go utswiwa ga dijalo kwa masimo. O tlhalositse fa ngogola ba ne ba kgona go tshwara batho ba le mmalwa ba ba neng ba amega mo bogodung jwa dijalo, mme ba kgona go ba lebisa melato e e maleba. Kgosi Ndzimumbi a re monongwaga ba ikemiseditse go nna podi matseba go fokotsa borukutlhi mo motseng. O supile gape fa ba abetswe mapodisi a le mane go tlatsa a mabedi a a ntseng a le teng. Kgosi Ndzimumbi a re kgwetlho nngwe e ba lebaneng nayo ke ya tlhaelo ya boroko jwa badirelapuso, ka jaana ba tshwanelwa ke go ba thusa go batla matlo a boroko mo malwapeng. E ne ya re a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Bagele Dodile a supa fa ba sa jesiwe di welang ke tshenyo mo masimo. A re le ntswa go na le bogodu, balemi ba tshwenngwa gape ke tshenyo e e bakwang ke dikolobe tsa naga ka jaana di eja dijalo di akaretsa magapu le marotse. Le fa go ntse jalo, Mme Dodile o tlhalositse fa banana ba tsweletse ka go ikopela mananeo a go itshetsa le go lwantsha lehuma ga mmogo le go tsenelela Ipelegeng go ba ntsha mo mebileng ka e le bone ba ba amegang thata mo go tsa borukutlhi. crime_law_and_justice 1 Kgatleng o tlaa agelwa kokelo E re ntswa kgaolo ya Kgatleng e bapile le toropo-kgolo Gaborone, ditlhabololo di a nyafala go goroga mo kgaolong eo. Se se buile ke mopalamente wa kgaolo ya Mochudi Botlhaba mo phuthegong ya kgotla mo Boseja North kwa Mochudi bosheng. Rre Isaac Davids a re ditlhabololo mo kgaolong ya gagwe di tla ka monokela ntswa kgaolo eo e ka bo e tlhabologile mo go nametsang. Le fa go ntse jalo, Rre Davids o ne a bolelela morafe gore kgaolo ya Kgatleng e tla agelwa kokelo e ntsha ka jaana ba sa bolo go lela ka sepatela sa Deborah Retief Memorial. A re go a itumedisa gore puso e bo e arabile selelo sa bone ka jaana botsogo bo le botlhokwa fela thata, a tlatsa ka gore le fa gone ba itumetse go dilo di le dintsi tse di tlhokafalag mo Kgatleng tse puso e tshwanetseng ya di dira. Rre Davids a re ba tshwenyegile fela thata ka ditsela mo kgaolong ya Mochudi Botlhaba bogolo jang tsela ya Modipane-Mabalane ka e dirisiwa ke dikoloi tse dintsi le tsone tse di tswang kwa Aferika Borwa tota. A re go tsenngwa sekonotere ga tsela eo gone go ka thusa banni ba kgaolo eo fela thata le go fokotsa tshenyego ya dikoloi mo tseleng eo. Le fo go ntse jalo mopalamenmte o ne a bolelela morafe gore moleta ngwedi ga se moleta lefifi le fa ntswa go tsaya lebaka gore ba thusiwa ka ditlhabololo. Mo dikgannye tse dingwe Rre Davids o ne a kopa balemi le barui go ema ka dinao ka jaana ngwaga ono go lebega go tla nna leuba mo lefatsheng la Botswana. A re letlhoko la pula le bakile tshenyo e ntsi mo masimomg a batho ba sena go lema ka letsatsi le le bogale le bolaile dijwalo tsa bone me barui le bone ba tla swelwa ke diruiwa ka go sena phulo. Mopalamente o ne a kopa barui go rekisa leruo la bone gore bogolo ba boloke madi gore fa seemo se ka ya masweng ba seka ba sala ba iphotlhere. O ne a kopa morafe go dirisana le mapodise ka jaana bogodu jwa dikgomo bo tsweletse ka go tshwenya mo kgaolong ya Kgatleng. Rre Davids a re mapodise ga a kake a kgona go lwantsha borukhuthi ba le nosi mme ka kemo nokeng ya batswana ba ka kgona ka ke bone matlho a setshaba. Mo go tse dingwe, mopalamente o ne a gape a kopa batsadi go emela dithuto tsa bana ba bone ka dinao ka jaana e le yone bokamoso jwa bone. A re go molemo gore ba nne ba ya kwa dikoleng tsa bana go lekola gore ba dira jang mo dithutong. Rre Davids o ne a kopa batsadi go sireletsa dikolo kgatlhanong le tshenyo ya dikago ka jaana bana ba ba tswang kwa tlase ba tlhokana le thuto a tlatsa ka gore tshenyo ya dikago tsa sekolo ke poelo morago e bile ga e thuse ope ka sepe. E rile go le pele fa Kgosi Time Pilane a amogela morafe wa gagwe a bolela fa a tshwenngwa ke dintsho tsa kgaolo ya gagwe ka jaana banana ba bolaana bosetlhogo. A re selo seo ga se mo jese diwelang mme a kopa batsadi go bua le bana ba bone go emisa mekgwa e e maswe eo. Kgosi Time o ne a kopa mopalamenete gore dipalo tsa batho ba Ipelegeng di okediwe ka jaana ba lemogile botlhoko mo kgaolong ya bone mme ebile batho ka bontsi ba sa bereke mme lenaneo leo le ka ba tswela mosola. O ne a gape a kopa morafe go emisa go latlhela metseto ya sekgoa fa go sa tshwanelang ka gore go leswafatsa tikologo mme ebile diruiwa di tshwana dikgomo di ja dilo tse di sa tshwane;ang go di ja. BOKHUTLO politics 7 Maloko a BOPEU a thusa ka dipompo E rile bosheng maloko a BOPEU a a direlang kwa lekalaneng la Botswana Examinations Council (BEC) ba rola semmuso dipompo tsa metsi di le thataro, tse ba neng ba di tsenyetsa banni ba metse ya kgaolo potlana ya Mabutsane. Dipompo tseo, tse di lopileng madi a a kana ka P18 000, di ne tsa kgaoganngwa ka metse ya Mabutsane, Keng, Morwamosu, Mahotshwane, Sekoma, le tse pedi kwa motseng wa Khonkwa. Erile a bua kwa tholong semmuso ya dipompo tseo kwa Khonkwa, mokwaledi mogolo wa BOPEU, Rre Tobias Malenga, a akgola babereki bao, a supa fa tiro e ba e dirileng e supa bopelotlhomogi mo setshabeng. A re go botlhokwa gore babereki ba thuse bang ka bone ba bo ba nne le seabe mo go tokafatseng matshelo a ba ba tshelang le bone. O boletse fa tiro e ba e dirileng e tlaa netefatsa fa maloko a makgotla a babereki e se diingaodi jaaka bangwe ba akanya, mme ba kgathala ka matshelo a ba bangwe bogolo jang ba itsholelo e e kwa tlase. Rre Malenga a re tiro e e dirilweng ke babereki bao e tshwanetse go akgolwa ka jaana metsi e le botshelo jwa motho e bile go sena sepe se se ka tswelelang go sena metsi. A re botlhokwa jwa metsi mo botshelong jwa motho bo ka tshwantshanngwa le bonno le botsogo, ka ele tsone konokono ya botshelo. E rile a latlhela la gagwe, mogolwane go tswa kwa BEC, Dr Moreetsi Thobega a re ere ntswa se se dirilweng ke babereki ba gagwe e se sa thuto, go na le fa go tsenngwa ga dipompo mo malwapeng go ka amang tokafatso ya thuto ka teng. A re tiro e e dirilweng ke badiri ba BEC ke e kgolo e bile e ba godisitse e le ba Botswana Examinations Council. A re tsholofelo ke gore malwapa a tsenyeditsweng dipompo ao a na le bana ba sekole, ka jalo, se, se tla thusa go godisa le go tokafatsa thuto ya bone. O ne gape a rotloetsa ba malwapa a a tsenyeditsweng dipompo tseo go somarela metsi ka gore ntle le moo, jaanong ba tlaabo ba ipiletsa dikgwetlho di sele. O kgadile mokgwa wa go siela leruo metsi mo dipompong tsa mo lwapeng, a re se se kgatlhanong le melawana ya lephata la metsi. E rile a a fa malebo, mokhanselara wa kgaolwana ya Sekoma, Rre Makalare Ngomme, a re ere ka jaana baagi ba kgaolo eo ba le bane ba ne ba seka ba kgona go thusiwa ka dipompo, ba tlaa kopana ele boeteledipele go bona gore kgang e e ka rarabololwa jang. A re go utlwala fa kwa tshimologong go ka bo go gokeletswe malwapa a le lesome dipompo mme ka go tlhoka ditlankana tsa ditsha bangwe ba ne ba duwa ke mpho eo ka phatlha tsa menwana. O tshepisitse fa kgang eo e tlaa salwa morago gore ba ba saletseng kwa morago le bone ba thusiwe. E rile a bua mo boemong jwa ba ba amogetseng dipompo, Mme Kebonye Rabashengwa a supa fa dipompo tseo di ya go dira pharologanyo e kgolo mo malwapeng a di tsentsweng mo go one. O kopile badiri bao go tswelela ba thusa ba ba dikobo dikhutshwane kwa kgaolong potlana ya Mabutsane go thusa go lwantsha lehuma. BOKHUTLO politics 7 Kebonang o kgothatsa bana go fenya ditlhatlhobo tsa makgaolakgang Tona wa di-tswa mmung kgotetso le boranyane jo bosa kgotleleng tikogolo ebile e le mopalamente wa Lobatse, Advocate Sadique Kebonang o kgothaditse baithuti go dira go feta jaaka ba tlabo ba kwala ditlhatlhobo tsa bone mme ba bone maduo a a nametsang. Advocate Kebonang o dirile kgothatso ka Labotlhano kwa sekolong sa Ipelegeng, jaaka go go tshwerwe letsatsi la moletlo wa kabo dimpho. Tona Kebonang a re jaaka baithuti batla bakwala ditlhatlhobo jaana ba tsweledisa botshelo a tlatsa ka gore se phelelo ya botshelo atlatsa ka gore baseka ba itlhoboga se se botlhokwa ke go nna baiteka thata gore bagogoge mo dielong tse ba di batlang. A re go a swabisa go bo batsadi ba sa tsena moletlo ka dipalo tse di nametsang a bo atlatsa ka gore thuto ya ngwana e tshwanetse go tshwaraganelwa ke batsadi barutabana le bone baithuti , ka gore ga barutabana ba felelang teng batsadi batswanetse go tsweledisa kwa malwapeng. Tona Kebonang o kopile batsadi go tlhola gore bana badira ja kwa sekolong le tiro ya bone, go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana, ka tsholofelo ya go nna bontlha bongwe mo thutong ya bana. O bolela gore ditiro ga dio lefatshe ka bophara mme a rotloetsa baithuti go ikemela ka dinao gore bakgone go fenya ditlhatlhobo tsa bone. Mo go tse dingwe o boleletse baithuti gore ga gona ope yo o tshotsweng ale botlhale kana ase botlhale, kana ope yo o pasang a sa bale dibuka a ba rotletse go ikanya dibuka tsa bone le go kopa thuso jaaka ba ipaakanyetsa ditlhatlhobo a re se ka dira pharologanyo e tona mo maduong. Tona Kebonang o gakolotse baithuti gore thuto e batla baitseela boikarabelo ka bongwe ka bongwe, atlatsa ka gore tsotlhe tse dikwalwang ke tse ba di rutilweng, gape ba dibadile a ba rotloetsa go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwafalo. O bolela gore ga gona jaaka o ka nna se o batlang go se nna ka wa bereka tiro e o e batlang o sa tsena sekolo, go fenya ditlhatlhobo selotlo sa botshelo go kwa pele Tona Kebonang supile a lemoga tiro e tona ee dirwang ke barutabana, a re bontsi jwa sebaka ba bonwa basa dire tiro ga maduo a tswa , batsadi ba basupe ka menwana ntswa ba gana go tsaya karolo mo thutong ya bana. Barutabana ba dikolo tse pedi go akaretsa Pitikwe le Ipelegeng ba lemogilwe ka go abelwa madi a kanang ka dikete tse tlhano tsa dipula sengwe le sengwe.ENDS education 4 Sir Ketumile Foundation e aba mesangwana E rile bosheng ba Sir Ketumile Foundation ba abela basetsana ba sekole se segolowane sa Goosemama kwa Gootau mesangwana. Fa a amogela mesangwana eo bosheng, Mogokgo Tebogo Mack o ne a bolela fa ba Sir Ketumile Foundation ba dirile tiro e kgolo ka baithuti ba tlaa ithuta ntleng le go kgoreletsega. A re mo dinakong tse dingwe basetsana ba kgona go seka ba iponatsa kwa sekoleng ntateng ya gore ga ba na mesangwana, ka jalo seemo seo e tlaa nna sa maloba. A re bangwe ba baithuti ba ’kobo dikhutshwane, ka jalo ga ba kgone go ithekela fa bangwe ba felela ba dirisa sengwe fela mo boemong jwa mesangwana mme seo se sa siamela botsogo jwa bone. Mme Mack a re mesangwana e dira gore mosetsana a nne le seriti e bile a sireletsege. A re mosetsana fa a dirisa mesangwana o ikutlwa gore ke mosadi. A re lenaneo la ba Sir Ketumile Foundation le tlaa bolokela puso madi a go abela baithuti mesangwana. Sekole sa Goosemama se tsene mo ditumalanong le ba Sir Ketumile Masire Foundation ngogola. Mme Matshidiso Masire go tswa kwa Sir Ketumile Foundation o ne a bolela fa mokgatlho wa Sir Ketumile Foundation o sale o simologile ka 2007 o simolodisiwa ke Tautona wa bobedi wa lefatshe leno, Sir Ketumile Masire le mohumagadi wa gagwe Mma Gaone. A re mo go one mokgatlho o ba na le dipilara tse di farologaneng mme nngwe ya tsone ke e e lebileng ngwana wa mosetsana. A re ba itebagantse le go thusa bana ba basetsana ka mesangwana gore ba seka ba tlhoka go ya sekoleng. A re fa e sale ka 2014 ba abetse basetsana ba le 1 500 mesangwana gore ba seka ba kgoreletsega mo dithutong. Mme Masire o boletse fa go na le basetsana ba le bantsi ba ba felelang ba tlolwa ke dithuto ntateng ya gore ga ba na mesangwana. A re ba ne ba bona go tshwanela gore ba thuse dikole ntswa go sa lekana. Mme Masire o ne a solofetsa sekole sa Goosemama fa ba tlaa se thusa ka mesangwana mo sebakeng sa ngwaga. Mongwe wa basetsana ba Goosemama, Neo Mokgweetsi o ne a bolela fa ba itumelela kgolagano ya sekole sa gagwe le mokgatlho ka ba tlaa thusega e bile ba tlaa ikutlwa ba amogetswe. BOKHUTLO education 4 Kapari ya matlalo e jesa Serekelagotlhe Diphatlha tsa mebereko di boutsana, bogolo jang kwa metseng e e kgakala le ditlamelo. Ka jalo banni ba metse eo ba felela ba tla ka maano a go itshetsa ba lebile se se leng teng mo tikologong ya bone. Rre Molatlhiwa Serekelagotlhe wa Kaudwane fela fa molomomg wa lefelo la diphologolo la Khutse o ne a bona go le botoka go itshetsa ka go roka a dirisa matlalo a diphologolo le dihutshane. Tiro e, o e simolotse ka 1997 morago ga go ithuta mo batsading ba gagwe, ba a tshotsweng a fitlhela ba ntse ba e dira. O tlhalositse fa tiro ya gagwe ya letsatsi le letsatsi e le go suga matlalo a dihutshane jaaka dipodi le dinku ga mmogo le a diphologolo tsa naga le dibatana jaaka diphuduhudu le bophokoje go dira diaparo tsa matlalo di akaretsa dibaki, ditlhako ga mmogo le kapari ya mmino wa Setswana. Rre Serekelagotlhe o ne a tswelela a tlhalosa fa a dira dibaga, maseka a bomme le mekgabisa ka dikgapetlana tsa mae a bontshe. O kaile fa a dira gape le diditse, le didirisiwa tsa mmino wa borankana di tshwana le mekwatla le digai tse di neng di dirisiwa thata bogologolo ke Basarwa fa ba le mo letsomong. A re matlalo a a a dirisang go roka dilwana ka one o a reka mo go ba lephata la tshomarelo diphologolo le makgabisa naga fa matlalo a dihutshane one a a reka mo baruing. O ne a supa fa kgwebo ya diaparo tsa matlalo e le e e nametsang ka a kgona go bona madi a go itshetsa le ba lelwapa la gagwe a bo a ipolokele. E re le ntswa kgwebo e nametsa, Rre Serekelagotlhe o tlhalositse fa dikgwetlho di tshwana le go tlhoka didirisiwa tse di rokang go mmaya ka fa mosing go ka nna le sebaka sa go dira dikopo tsa dipalo tse dintsi di tshwana le tsa maphata a puso. O supile fa go roka ka seatla go le bonya, a re go reka didirisiwa tse a di dirisang di akaretsa matlalo a diphologolo go mo lopa madi a mantsi mme fa gongwe go dira kgwebo bonya. Rre Serekelagotlhe a re o tsamaya mo metseng ka bontsi ya Kweneng go ipapatsa le go rekisa kapari le mekgabisa ya gagwe mme a supa fa bareki ba gagwe bontsi ba le kwa Molepolole. A re ba lefelo la pabalelo ditso la Kgosi Sechele I ba mo thusa thata fa go tla mo go rekiseng le go reka didirisiwa tsa gagwe ga mmogo le go mo laletsa mo ditirong tse ba di rulaganyang, a re se se mo fa sebaka sa go ipapatsa mo go tseneletseng. O ne a kaya fa meletlo ya setso e tshwana le wa Dithubaruba ga mmogo le dikgaisanyo tsa malatsi a ga Tautona di le botlhokwa o go ene ka ke nako e a bonang bareki ka bontsi ba ditlhopha tsa mmino wa borankana. Rre Serekelagotlhe o ne a gakolola Batswana go tsaya tiro nngwe le nngwe ya diatla ka tlhoafalo ka jaana seo se ka thusa go fetola matshelo a bone. O bile a supa fa banana le bone ba tshwanetse go tsaya malebela ba inaakanye le go ithuta tiro ya diatla ka e ka ba ntsha mo lehumeng le mo ditirong tsa borukutlhi. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Khamphani e akanya go bula moepo Kgosi Tirelo Motseonangeng wa Maboane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng o amogetse diphetogo tsa ditlhabololo tse di ka tlisiwang ke dikeletso tsa kompone ya Walkabout Resources, go dira moepo wa magala, o o tlaa bong o le fa gare ga motse wa Takatokwane le Maboane. Kgosi o amogetse dikeletso tsa kompone eo mo phuthegong ya kgotla kwa motse oo mo bosheng. Phuthego e, e ne e tshwerwe ke mookamedi wa kompone eo, e le ntlha nngwe ya ditshekatsheko tsa gore diphetogo tse di tlaa ama matshelo a batho le tikologo eo jang. Kgosi Motseonageng o tlhalositse gore tlhabololo eo fa e ka atlega, e ka ntsha motse wa gagwe kwa morago le banana baka bona ditiro. Kgosi o boletse gape gore le lehuma le borukutlhi di ka fokotsega ka jaana banana ba tlaa bo ba bone ditiro. O ne itela mo bagolwaneng ba kompone eo gore ba sekegele bana ba kgaolo eo tsebe fa ba thapa. Mookamedi wa kompone ya Walkabout Resources, Rre Bruce White o tlhaloseditse banni ba motse oo gore kompone ya gagwe e bone magala mo kgaolong ya Letlhakeng, ngwaga tse pedi tse di fetileng mme jaanong ba na le keletso ya go bula moepo teng. O tsweletse ka go tlhalosa gore ba tshwere diphuthego tsa kgotla mo metseng e e tlaa amegang ya Dutlwe, Takatokwane le Maboane go dira ditshekatsheko. O boletse fa ba abetswe sekidi sa lefatshe se ba tlaa agelang diofisi tsa bone teng gone fa gare ga metse eo. O ne a tlatsa ka go tlhalosa gore dipatlisiso di supile fa moepo o tlaa tsaya dingwaga tse di masome mararo go ya go a mane o ntse o ntsha magala. O tlhalositse gore moepo oo ke o o tsenelelang kwa teng jaaka wa Jwaneng, e le gone go somarela lefatshe. Mogolwane wa baitseanape ba tikologo, wa kompone ya ECO SURV Enviromental Consultants, Mme Taboka Mabudi, o tlhalositse gore kompone ya Walkabout e ba thapile go ba direla ditshekatsheko.O ne a tlhalosetsa baagi gore dipatlisiso tsa tikologo di akaretsa leruo, masimo, meraka, ditlhare le diphologolo le dingwe ditshedi gore moepo o tlaa di ama go le kae. A tlatsa ka go re ba tlaa tla gape, jaanong ba tsile go dira tse di tseneletseng tsa matshelo a morafe jaaka gore ke eng se se tla amegang mme e le se ba itshetsang ka sone jaaka ditswanageng jaaka morama. Mopalamente wa kgaolo eo, Rre Ngaka Ngaka, o tlhaloseditse morafe gore moepo oo ke wa Batswana, ka jalo ba solofele gore fa o ka atlega, go tlaa thapiwa le badiri ba ba tswang kwa ntle ga kgaolo eo. O ne a tlhalosa gore ditiro dingwe di tlhoka batho ba ba ithutetseng tiro eo. O weditse ka go kopa morafe go dirisana le baeng sentle fa ba ntse ba tsweletse ka ditshekatsheko. crime_law_and_justice 1 Monni wa Francistown o tshela ka legong Rre Raphael Pholo, yo e leng monni wa toropo ya Francistown o itshetsa ka talente ya gagwe ya go betla ditshwantsho. O boletse mo potsolotsong bosheng fa a betla ka legong, marapo le lentswe mme o betla ditshwantsho tsa diphologolo ka go farologana. O dira gape le dithobane le ditilo tsa dikgole. Tiro e ya go tshwantsha ka go betla o tswa le yone kwa sekoleng ka a ne a rata go tshwantsha mme a re o e simolotse a sena go fetsa lekwalo la bosupa ka ngwaga wa 1965 ko Tatitown. O boletse fa bogologolo e santse e le basimane ba ne ba rutwa go betla dikei, megori le dipora kwa Siviya. Gape o tlhalositse fa a ne a sokola go bona madi a go simolola kgwebo ya gagwe mme o ne a ipha leano la gore a tsamaye a batla babetli a ithuta le go bereka mo go bone. E ne ya re ka ngwaga wa 1971, a simolola go betla mme ka ngwaga wa 2010, a bona dithuso tsa madi go tswa mo lephateng la banana, metshameko le ngwao. Rre Pholo a re o ne a reka metshine e a e dirisang mo tirong ya gagwe ya letsatsi le letsatsi le fa madi a ne a sa lekane mme e ne ya re ka 2012, a fiwa P75 000 a bo a reka metshine e e neng e tlhaela. Ntswa a kgonne go bona mechine, namane e tona jaanong ke gore ga gona fa e ka nnang teng e phuthologile ka lefelo le le le lennye mme mechine e tsere manno otlhe mo ntlwaneng e a betlelang mo go yone mme a tshwanelwa ke go direla ko ntle. Keletso ya ga Rre Pholo ke go bona lefelo le letona ko a ka phuthulogang teng a dira tiro ya gagwe mme se se mo tshwenya mogopolo ka a akanya go ya kwa gae ka a eletsa go bula sekole go ruta ka tsa ngwao. “Ke eletsa ke ka fiwa madi go aga madirelo a matona le sekole se ke se batlang ka gape ke tswa kgakala ke ruta banana mo dithuto seka dipuisanong,” ga bua Rre Pholo. O boletse fa thekiso e le bonya ka a sena lefelo le a ka rekisetsang mo go lone, mme se se itumedisang e bile se tlaa tlhofofatsa kgwebo ya gagwe ke go bo khansele ya Francistown e ba tshephisitse gore e baakanya lefelo le bagwebi ba tlaa rekisetsang dithoto tsa bone mo go lone. E re ntswa a kopana le mathata mo kgwebong ya gagwe, ga a ke a tlelwa ke boitlhobogo ka a tshwantsha kgwebo ya gagwe le morui wa dikgomo ka fa leuba le tla, morui a seke a itlhoboge mme a re le fa ditshwantsho tsa gagwe di ka tsaya sebaka, di sa rekiwe kwa phelelong di tlaa rekwa. Kgwebo e e thusitse Rre Pholo fela thata ka a boletse fa e le yone e e mo nyadisitseng a bo a tlhokomela bana ba gagwe ka a ba tsentse dikole. O tlhalositse fa a dirisana le ba Supa Ngwao Museum ka ba reka ditshwantsho tsa gagwe ba bo ba di rekisa go fitlhela di fela e bo e le gone ba ka reng a tlise tse dingwe. Fa a wetsa, o ne a re o rotloetsa banana go tla kwa go ene mo Block 2 a ba rute. arts_culture_entertainment_and_media 0 Ketlhoanetswe o lebisiwa molato wa go bolaya ngwana Mosekisiwa yo o lebisitsweng molato o mongwe fela wa polao o ne a itshupa fa pele ga ga mmakaseterata wa Molepolole, Rre Bhekimpilo Sibanda, Moranang a le malatsi a robabongwe. Dintlhakgolo tsa molato o a o lebisitsweng ke gore, e rile kgwedi ya Moranang e tlhola malatsi a le marataro kwa masimong a Gathoka kwa kgaolong ya Kweneng, Thatayaone Ketlhoanetswe a bolaya ka maikaelelo Omogolo Ketlhoanetswe, ngwana yo a neng a le dikgwedi di letharo. Fa a begela lekgotla, mosekisi Seagent Barulaganye Tiase wa sepodisi sa Molepolole o kopile gore mosekisiwa a seka a fiwa sebaka sa go emela tsheko a le kwa ntle ga kgolegelo ka gore ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. E rile atswa la gagwe, Ketlhoanetswe a tlhalosa gore o kopa go emela tsheko kwa ntle ga kgolegelo ka lebaka la gore ona le ngwana wa mo-na-le-bogole yo o kafa tlase ga tlhokomelo ya gagwe, a tlatsa ka gore e bile o nna a le nosi. Moisekisi Seagent Tiase o ne a tswelela ka go tlhalosa fa kgang e ne santse e le ntsha go begiwa. O boleletse lekgotla gore go ya ka ditlhotlhomiso tsa bone, ke nnete gore mosekisiwa o na le ngwana wa mo-na-le-bogole mme a tlatsa ka gore ga se ene (mosekisiwa) a mo tlhokomelang. A re ngwana o mo tlhokomelong ya ba masika a mosekisiwa. Mosekisi o boletse gape fa ditlhotlhomiso tsa bone di ba sedimoseditse fa mosekisiwa e le motho yo o laolwang ke dino tagi ka jalo go se maleba gore a fiwe sebaka sa go emela tsheko ko ntle. Fa a gana kopo ya mosekisiwa, mmakaseterata Sibanda o tlhalositse gore mosekisi o begetse lekgotla gore ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. O lemositse mosekisiwa gore molato o a o dirileng ke molato o o tlhwaahatseng e bile ole motona mme ka jalo o ganne kopo ya mosekisiwa ya go emela tsheko kwa ntle. Mosekisiwa o tla itshupa gape fa pele ga lekgotla kgwedi eno e le masome a mabedi le boraro. crime_law_and_justice 1 Ditshupo di tlaa nna teng ngwaga o o  tlang Ditshupo tsa temo-thuo tsa Tswapong Borwa di tlaa nna teng ngwaga o o tlang ka Phukwi kwa lebaleng la ditshupo kwa Machaneng. Modulasetilo wa komiti ya ditshupo Rre Edwin Ketlhodilwe, o ne a solofetsa botlhe ba ba amegang mo potsolosong. Rre Ketlhodilwe a re ngwaga ono ditshupo di ne tsa seka tsa nna teng ka lebaka la gore bontsi ja maloko a a neng a tlhophilwe go baakanyetsa ditshupo ba ne ba le boitseme. A re ka jalo go ne ga nna thata gore bonyennyane jo bo neng bo na le kgatlhego bo baakanyetse ditshupo tseo ka nako e ne e setse e tsamaile mme tiro yone e le ntsi thata. Rre Ketlhodilwe a re jaanong ba sa tswa go tlhopha maloko a masha a komiti e bile ba okeditse le palo ya maloko go tswa mo go lesome go nna lesome le borataro. O tsweletse ka gore komiti e nna e tshwara diphuthego go rulaganyetsa ditshupo tsa ngwaga o o tlang. A re ba bone go tshwanela gore ba simololele ruri dipaakanyo ka ba eletsa ditshupo tsa ngwaga o o tlang e nna tsa maemo a ntlha go gaisa ditshupo tsotlhe tse di fetileng. O ne a bolela fa mopalamente wa kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami yo e bileng e le tona wa botsogo le boitekanelo Mme Dorcas Makgato a ba tshephisitse gore o tla a nna morotloetsi mogolo wa ditshupo tseo. O kopile banni ba kgaolo le botlhe ba ba amegang gore le bone ba ba fe thotloetso gore toro ya bone e diragale. Rre Ketlhodilwe a re ditshupo di botlhokwa thata ka di neela balemi le bagwebi sebaka sa go ka kopana mo lefelong le le lengwe ba bo ba ka kgona go neelana megopolo ya go ka ikgodisa mo temong le mo dikgwebong. O ne a bolela fa a le maswabi thata go bo balemi le bagwebi ba kgaolo ya bone ba sa kgona go nna le sebaka seo mo ngwageng ono. society 9 St Anne e abela mo-na-le bogole Kgosi Madome Madome wa kgotla ya ga Pitse mo Bobonong, o akgotse mokgatlho wa bo mme ba St Anne go tswa mo kerekeng ya Roman Catholic morago ga gore ba agele mo-na-le bogole ntlo mo Bobonong ka Labotlhano (Phukwi 24), a supa fa seabe sa kereke e le go supa lorato mo setshabeng. Fa a bua kwa tirong ya go bula ntlo eo e e agetsweng Mme Lesedi Senthu wa kgotla ya Sekwadela, o tlhalositse fa se se dirilweing ke bomme ba St Anne se le botlhokwa ka se araba selelo sa ga Tautona sa go nna setshaba se se kutlwelo botlhoko mo go ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Bomme ba St Anne ba ne gape ba agela lelwapa leo ntlwana ya boitiketso, go agelela lelwapa le go gokela pompo ya metsi. Fa a tswa la gagwe Mme Bernadette Monagen, modulasetilo wa kgaolo ya bokone ya St Anne Francistown a re e le maloko a kereke ya Roma, ba itlamile go tswa thuso e e ka fetolang matshelo a batho. Mme Monagen a re ba itlamile gore bokopano bongwe le bongwe ja ngwaga le ngwaga ba direle mongwe sengwe mo lefelong le ba tlaa bong ba tshwere tiro ya bone teng. Mme Monagen o supile fa mo makopanong a a fetileng ba setse ba kile ba abela batlhoki dilo di tshwana le ditilo tsa maotwana tse di dirisiwang ke ba-na-le-bogole, dijo, le dikobo, mo metseng e e farologaneng. Mme Lorato Morapedi, mogolwane wa banka ya ditlhabololo tsa setshaba (NDB) o ne a akgola bomme ba kereke e gore ba bo ba kgonne go dira tiro ya serodumo se se kalo mo nakong e khutshwane. A re e le ba NDB ba tla feleletsa ntlwana ya boitiketso gammogo le go agelela lelwapa leo fa ba kereke ba sa kgonang teng. society 9 Kgosi o rotloetsa borre go tsaya boikarabelo Kgosi wa Mokoswana mo kgaolong potlana ya Mahalapye, Kgosi Dipetso Ketlogetswe o kgothaditse borre go nna le boikarabelo jwa go etelela malwapa pele. Kgosi o buile jalo mo potsolotsong le BOPA kwa Mokoswana bosheng. O ne a tlhalosa gore rre yo o tlhwatlhwa yo o batlang go tshedisa ba lelwapa la gagwe sentle, o dira dipatlisiso pele ga a tsaya ditshwetso mo lelwapeng la gagwe. O ne a tlatsa ka go re ka dinako tsotlhe o tshwanetse go tswa ka ditsela tse di ka agang bokamoso jwa ba lelwapa. A re tsamaiso ke gore rre a tshele a na le mosadi yo o mo nyetseng ka fa molaong, a tlatsa ka go re rre o tshwanetse go nna le morero le mosadi le bana gore lelwapa le tle le nonofe. A re lelwapa la tsamaiso e ntle le godisa bana ba ba nang le boirakabelo, gape bana ba teng ga ba ke ba tlhabisa batsadi ba bone ditlhong mo matlhong a setshaba. A re rre yo o nang le boikarabelo ka lelwapa o tshwanetse go nna sekao ka go tshegetsa sephiri sa lelwapa la gagwe. “Rre o tshwanetse go ruta bana le mosadi ka tse di botlhokwa mo matshelong a bone jaaka tlhokomelo ya dithoto,” a tlhalosa. A re ka dinako di fetogile, rre o tshwanetse go thusa mosadi ditiro tsa lelwapa jaaka tsa kapei, go isa bana kokelong, go tlhapisa bana le tse dingwe. A re selo sa konokono mo go rre yo o nang le boikarabelo ke go tshedisa ba lelwapa kwa ntle ga kgatelelo kana kgokgontsho. A re lelwapa le le aperweng ke kgokgontsho le tshelela mo bohutsaneng gape le felela le thubega. Kgosi a re go thubega ga malwapa ke kgwetlho mo lefatsheng leno, ka jalo go mo maruding a setshaba go bereka mmogo go ruta batho botlhokwa jwa lelwapa. Kgosi a re banana gompieno ba nna mmogo ba sa nyalana ba re ba fokotsa ditshenyegelo, a tlatsa ka go re seo ke go ikepela lemena. “Botsalano jwa tlhakanelo dithoto ya batho ba sa nyalana mme ba nna mmogo jaaka monna le mosadi ga bo a siama. BOKHUTLO society 9 Matlhare o itshetsa ka dinotshi Mananeo a puso a maikaelelo a one e leng go tokafatsa matshelo a Batswana a tsweletse ka go ogola setshaba mo isong. Rre Shimane Matlhare yo o tlholegang kwa Kanye, ke mongwe wa ba ba nnileng le sebaka sa go akola mananeo morago ga go thusiwa ka kitso le didirisiwa mo thuong ya dinotshi. E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, Rre Matlhare a tlhalosa fa a tswa kgakala a na le keletso ya go rua dinotshi. O tlhalositse fa a sale a simolotse thuo ya dinotshi pele ga dithuso tsa puso. Ka jalo e ne ya re puso e simolodisa mananeo a nyeletso lehuma a seka a ipona tsapa, a rwala ditlhako go ya go ikopela dithuso. A re ka 2013 o ne a isiwa sekoleng ke ba nyeletso lehuma ga mmogo le ba lephata la temo-thuo kwa a neng a feta a rutuntshiwa ka tlhokomelo ya dinotshi. Morago ga go wetsa dithuto, Rre Matlhare o ne a seka a dia nako mme a simolodisa thuo ya dinotshi. “Dinotshi di bogadi bo gaufi, fa le go tlhabetse sentle ka paka ya dinotshi o felela o dira madi a a seng kana ka sepe, o phatsima,” ga bua Rre Matlhare. Rre Matlhare ga a a remelela fela mo go rekiseng tswina mme o dira gape le setlolo sa molomo, pholetshe le setlolo sa mmele ka dinotshi. Le fa go ntse jalo, Rre Matlhare o tlhalositse fa dinotshi di sa batle leuba ka di a tle di inee naga fa pula e seyo. A re mo pakeng e e fetileng ya thobo ka Sedimonthole, o robile tswina ya bokete jwa selekanyo sa 75kg, mme e bile jaanong o solofetse go le gontsi mo pakeng e e tlang ya mariga. A re e sale a simolola go rua dinotshi o itheketse kalakuma le podi, tse gompieko jaana di setseng di mo diretse moraka.BOKHUTLO politics 7 Tlhokomelang thuto ya bana Mothusa kgosi ya Phase 4 kwa Francistown, Kgosi Pogisego Mosarwe o rotloeditse batsadi go tlhokomela thuto ya bana ba bone ka go siametse bokamoso jwa bone. Kgosi Mosarwe o rotloeditse seo mo phuthegong ya mopalamente wa Francistown Borwa, Rre Wynter Mmolotsi. O tlhalositse fa go na le nngwe thuto e e bidiwang CAPA kwa sekoleng mme e tsentse bana lesukasuka, a tlatsa ka gore thuto eo e supa fa e ruta ngwana ka tsa bodiragatsi. A re barutabana bangwe ba ruta ka dielo tsa bone ka jalo o kopile batsadi go adima buka eo kwa sekoleng, mme ba tataise bana ba bone ka bangwe baithuti ba le bonya go ka tshwara. Modualsetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgotla ya Boikhutso kwa Somerset West, Rre Herbert Nkabiti, o lekodisitse mopalamente wa kgaolo eo fa ba semeletse ka go dira ditlhabololo mo kgaolong. O supile fa e ne ya re mo lebakeng le lekhutshwane ba tlhabololo sekole sa bananyana sa fokotsa ditshenyegelo tsa ditlhwatlhwa tsa dipalamo. Rre Nkabiti o buile gore ba kgonne go tsenya sekole dilo ka bontsinyana ditshwana mabati, digalase, motlakase, le tse dingwe fela jalo. O tlhalositse fa ba setse fela ka mealo ya fa fatshe (tiles) mme madi one a setse a fedile, le fa go ntse jalo a re ba nna fela ba tsweletse ba kgobokanya madi ka go dira bommabontlenyane le ka tsa itshidilo mmele. Rre Nkabiti o rotloeditse morafe go dira mmogo ka go ema ka dinao nako e sale teng go ipakanyetsa moletlo o o tlang wa BOTS 50. A re o eletsa gore mokete oo o nne ka tsela e e pharologanyo ka o tlaa bo o tlhakane le mokete wa go ipelela matshego a Vision 2016. Mo go tse dingwe o lekodisitse mopalamente fa lephata la IEC le tlhalositse fa mafelo mangwe a matlhophelo a a sa sireletsegang a tlaa tswa mo tirisong. Re Nkabiti o tsweletse a re mafelo a tshwana dikokelo, ga mmogo le lefelo la God`s love e le mangwe a a tlaa amegang, a tlatsa ka gore ba IEC ba tlhalositse fa ba tlaa kopa dikereke go tla go di dirisa. Rre Mmolotsi o solofeditse morafe go re le ene o tlaa etela ofisi ya khansele go utlwa le go netefatsa gore a a diphetolo tsa bone di a dirafadiwa. education 4 Molemisi o rotloetsa balemi go ikanya lablab Molemisi wa Tsabong, Mme Mpontshang Podisi, o gwetlhile balemi barui kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa go lema lablab ka go supega fa e dira sentle kwa kgaolong eo. O ne a gakolola balemi go ipopa ditlhopha gore ba tle ba akole mananeo a puso a a farologanyeng le go reka motshine o o silang lablab go dira dijo tsa leruo. Mme Podisi o ne a akgolela balemi ba Omaweneno, Maralaleng le Kisa go ema ka dinao go tlhomamisa gore bana ba bone ga ba wele mo isong. A re o ne a etese masimo go abelana le balemi barui dikitso tse ka tsone ba ka kgonang go tlhabolola temo le go itepatepanya le seemo sa loapi. A re dijwalo tse di siametseng mmu wa kgaolo eo ke dinawa, lablab, magapu le marotse. Mme Podisi a re mmidi ga o kake wa dira sentle kwa kgaolong ya Kgalagadi ka o tlhoka metsi a mantsi. Ke sone se a neng a gakolola balemi go emisa go lema mmidi ka pula e le boutsana kwa kgaolong eo. O ne a ba gakolola gape go dirisa mogoma oo hatolang lefatshe wa ripara ka o thusa dijwalo go tshegetsa bokgola lebaka le le leleele. E re ka jaana bontsi jwa balemi ba supile fa ba tshwenngwa thata ke mohero, Mme Podisi o ne a ba kgothatsa go ya go ikopela chefi e e bolayang mhero kwa diofising tsa balemisi. O boletse fa chefi eo e tshwanentse go dirisiwa ka fa go tshwanetseng ka teng, ka kgakololo ya balemisi. Kgosi Sam Bimbo wa Omaweneno a re bontsi jwa banni ba motse oo ba itshetsa ka leruo le temo, mme a ba gakolola go tsaya tsia dithuto tsa balemisi. Kgosi Bimbo o ne a supa fa balemi ba motse wa gagwe ba tshwenngwa ke bojang jwa tlolela jo bo kgoreletsang kgolo ya dijwalo. Rre Nkele Lebang go tswa kwa lephateng la tlhabololo temo thuo le dijo o ne a rotloetsa banana go ema ka dinao go ipopa ditlhopha mme ba inaakanye le mananeo a puso go tlhabolola temo thuo go nna kgwebo. Balemi ba le bane go tswa kwa masimong a Bokgetlo, e leng Mme Bokwaleng Gabankalafe, Mme Keodutse Tsietso, Mme Ntheetsang Simane ba ne ba segofala ka temo ya dinawa ka mo nakong ya gompieno ba setse ba bapetse morogo le dinawa. Mme Akanyang Marutshe a re temo ya gagwe ya dinawa, mmidi, marotse magapu le lablab e a kgatlhisa mme ba solofetse go ora molelo wa mariga. Mme Kgomotsego Motlopi go tswa kwa lekalaneng la BITRI, o ne a tlhalosa fa ba tshwaraganye le lephata la tlhabololo temo thuo le dijo, go ba thusa go batlisisa ka seemo sa loapi le go ntsha dijo tse di tlhaelang mo lefatsheng leno. Mme Motlopi o ne a tswelela ka go tlhalosa fa seemo sa loapi se tlhobaetsa, mme a supa fa ba tsamaya le lefatshe leno go ruta balemi le go ba fa dikgakololo go lema dijwalo tse di tlhabologileng. economy_business_and_finance 3 Ba Ramatlabama ba akgola ofisi ya mosireletsi Banni ba Ramatlabama ba akgoletse ofisi ya mosireletsi go ba ruta ka ditirelo tsa yone. Bangwe ba baagi ba motse oo ba tlhalositse fa ba ne ba sena kitso epe ka ofisi eo mme ba ne ba lebogela dithuto tsa badiri ba ofisi eo. Fa godimo ga moo ba boletse fa ba ne ba na le dingongorego tse ba neng ba sa itse gore ba ka ikuela kae mme ba supa fa jaanong ba itse gore tsela pedi ba tsaya e fe ka ba ne ba supa gore ga ba thusiwe sentle mo makalaneng a puso le a a ikemetseng. Moanamisa mafoko wa ofisi eo, Rre Fenny Letshwiti ene o ne a tlhalosa fa e tlhomilwe go amogela dingongorego tsa setshaba ka boitsholo jo bo sa tshwanelang jwa bodirela puso kana makalana a a ikemetseng a a thusiwang ke puso. A re tiro ya bone ke go tsereganya le go sireletsa setshaba kgatlhanong le tsamaiso e e sokameng a tlhalosa fa ba sa itebaganya le setshaba fela a re le bodiredi jwa puso bo ka ikuela kwa go bone tebang le dilo dingwe tse di amang ditiro tsa bone fa di sa tsamaisiwe sentle. O ne a gatelela kgang ya gore pele ga ba ikuela kwa ofising ya mosireletsi ba netefatse gore ba latedisa dikgang tsa bone a tlatsa ka gore go botlhokwa gore ba tsee maina a ba ba ba thusang gore go seka ga nna le ketsaetsego fa ba ile go ikuela. O tlhalositse fa ba na le dithata tsa go botsolotsa mongwe le mongwe fela jaaka kgotla kgolo ya ditsheko go sa kgathalesege gore motho ke wa maemo a fe. O tsweletse a re ofisi eo e nnile mo tirisong semmuso ka ngwaga wa 1997 morago ga dikgang tsa go gopela itsholelo tse di neng di le kwa kgaolong ya Kweneng tse mo go tsone bangwe ba neng ba ikabela ditsha kwa Mogoditshane. O ne a tlhalosa fa Tautona e le ene a tlhomang mosireletsi a ikopantse le moeteledipele wa kganetso kwa palamenteng a tlatsa ka gore mosireletsi wa ntlha go tlhomiwa e ne e le Rre Lethebe Maine mme wa bobedi ya nna Rre Ofentse Lepodise. Fa a bua ka dikgang tse ba sa di tlhotlhomiseng Rre Letlhogonolo Itshabeng o ne a tlhalosa fa ba sa amane le dikgang tsa tshireletsego ya lefatshe, dikgang tse di fa gare ga mmuso wa lefatshe leno le mafatshe a mangwe. O ne gape a supa fa ba sa tlhotlhomise dikgang tsa borukhutlhi le dingongorego tsa badirela puso tse di amang khiro ya bone. O tsweletse a re dikgang tsotlhe tse ba sa amaneng le tsone di na le ba di ba lebaneng a a fa sekai ka tsa tshireletsego ya lefatshe a re tseo di lebane ba sesole sa Botswana le ba ofisi ya DIS. O ne a gwetlha banni go dirisa ofisi ya bone fa ba na le dipotso tse di tlhokang dikarabo. BOKHUTLO society 9 Bagwebi ba supa bokgoni Molaodi wa kgaolo ya bokone Bophirima, Rre Keolopile Leipego o akgotse bagwebi botlhe ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go dira ka natla mo dikgwebong tsa bone. A re ba supile fa lenaneo le bereka ka jaana dikgwebo tsa bone di dira sentle, a tlatsa ka gore ba bangwe ba tlaa tsaya malebela go lemoga gore motho o ka inaakanya le mananeo ao go fetola botshelo jwa gagwe. Molaodi o buile seo kwa ditshupong tse di neng di rulaganyeditswe bagwebi ba ba botlana ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma. Di ne di rulagantswe ke ba khansele potlana ya Maun. Rre Leipego o tlhalositse fa maikaelelo a ditshupo e le go fa bagwebi sebaka sa go ipapatsa le go simolodisa botsalano ma gareng ga bone ga mmogo le bareki. A re o dumela fa ditshupo tseo, di tla ba tswela mosola ka jaana batla tsaya botsipa le maele mo go ba bangwe mme ba bo dirise go godisa dikgwebo tsa bone. O tsweletse a re mangwe maikaelelo a puso a magolo ke go tlhamela Batswana diphatlha tsa mebereko, le go ba ntsha mo lehumeng la nta e tshetlha, ke ka moo go neng ga simolodisiwa lenaneo la nyeletso lehuma. “Fa e sa le lenaneo le le simololwa ka ngwaga wa 2010, batho ba ne ba bona dithuso jaaka go rekelwa dihutshane, go simolodisa ditshingwana tsa merogo, dimausu, kgwebo ya go adimisa ditante, thuo ya dikoko le tse dingwe. Mme gompieno, bao ba ba ikopetseng matshelo a bone a fetogile thata ka ba kgona go inosa metsi,” a tlhalosa jalo. Rre Leipego o boletse fa mo kagolong ya Ngami ba kgonne go simolodisa dikgwebo di le 3 205, mme mo go tsone di le 1 658 e le tsa khansele potlana ya Maun. A re mo go tsone, di 1 343 di a dira e bile dingwe di gatetse pele mo go kgotsofatsang fa dingwe di sa ntse di tlhotsa. A re go le gantsi ba itemogetse fa dikgwebo di phutlhama ka ntlha ya letlhoko la metsi, bogolo jang dikgwebo tsa temo thuo, malwetse a dihutshane le dikoko, fa lebaka le lengwe e le go tlhoka mmaraka o o tsepameng. Molaodi a re go supegetse gape fa bagwebi bangwe ba ngosela go dira ka jaana ba dira dikgwebo tse ba sa di rateng. Le fa go ntse jalo, o ne a rotloetsa morafe ka kakaretso go tsaya mananeo a puso ka tlhwaafalo go re a ntshe maduo a a solofetsweng. A re go a tshwenya ka bangwe ba na le mokgwa wa go nna maoto a tshupa le ntswa ba na le bokgoni jwa go itirela. E rile a tswa la gagwe, mokwaledi wa khansele potlana ya Maun, Mme Mogomotsi Seemule a tlhalosa fa ditshupo tseo e le thotloetso mo bagwebing go ba batlisa mmaraka. A re ba eletsa go bona bagwebi bao ba gola ba bo ba tlhamela ba bangwe ditiro jaaka e le maikaelelo a puso. BOPA economy_business_and_finance 3 Bakgweetsi ba khansele ba intsha leswe dinaleng Lephata la boipelego le tshwaragane le ba metse e e kgakala le ditlamelo ba ipeletse maduo a bana ba ba nnang kwa dikoleng go tswa fela kwa thutong ya motheo go fitlhelela kwa mmadikole. Se se diragetse kwa bokopanong jwa dikgaolwana tse supa tse di agang kgaolo ya legare, tse di neng di kopantse kemedi ya dikomiti di le 222 tsa ditlhabololo tsa metse, tse di eteletsweng pele ke e tona di ferabobedi. Mo bokopanong jwa ngwaga le ngwaga jwa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse jwa go atswa le go leboga dikomiti tse di dirireleng ka botswerele mo dikgaolwaneng tse tharo ebong komiti e e gaisitseng mo ditsamaisong le tsotlhe tse ditlhokegang, ya matlo a borobalo a baithuti ba dikole tsa tengnyanateng le baithi ba ba gaisitseng mo lekwalong la botlhano ka matshwao a a kwa godimo. Komiti ya ditlhabololo e e neng ya fenya ya nna Boikago kwa Palapye mme ya iponela P7 000 le sejana, ya latelwa ke ya Xhumo kwa Boteti yone ya gapa P5 000 le sejana fa a boraro a ne a ya kwa Thabala mo kgaolong ya Serowe mme bone ba bona P3 000 le sejana. Mo karolong ya bobedi ya matlo a boroko jwa baithuti, Otse e ne ya bona maemo a ntlha ya fiwa P3 000 le sejana, a bobedi a bonwa ke Mosu ya fiwa P2 000 le sejana fa a boraro a ne a ya kwa Mokubilo e bona P1 000 le sejana. Karolo ya boraro ya moithuti yo o gaisitseng mo ditlhatlhabong tsa mophato wa botlhano maemo a natlha a gapiwa ke Olerato Nkhumisang wa Dimajwe yo o fentseng ka dintlha di le masome a mane le borataro points, a latelwe ke Resego Baileng wa Gojwane yo ene a fentseng ditlhatlhobo ka dintlha di le masome a mane le bone fa Charnelle Maposa wa Maposa le ene a fentse ka dintlha di le masome a mane le bone. Boraro joo, bo ne jwa atswiwa ka P1 300 le seetsele mongwe le mongwe wa bone. Fa a ba ema ka lefoko, modulasetilo wa khansele -potlana ya Serowe, Rre Mpho Kooreme a re ke nako ya gore ba-tsaya karolo botlhe mo ditlhabololo tsa lefatshe ba itshekatsheke seabe sa bone mo ditlhabololong tsa lefatshe. Rre Kooreme a re dikomiti tsa ditlhabololo di tswe mo go nneng bahiri le balaodi ba Ipelegeng, ka e se yone tiro ya bone ya konokono, tiro kgolo ya bone ke go bona gore metse e tlhabologa jang le go tsenya lenaneo la ditlhabololo tsa setshaba le tsa magae mo tirisong ka maikaelelo a go tlhama ditiro tsa seneelaruri go thusana le puso go lwantsha letlhoko la ditiro. O supile fa le makhanselara boikarabelo jwa bone e le go gakololana le dikomiti ka se se ka dirwang go tlhabolola dikgotla tsa bone le go tlhamela banana ditiro. Rre Keoreme a re lenaneo la ditlhabololo tsa ditogamaano le tshotse go le gontsi mo dikomiti tseo di ka go anyang go tlhabolola metse le go tlhama mebereko. A re a dikomiti di tswe mo go beeng fela mo phirisong ya matlo a boroko. O akgoletse World Bazaar Palapye go tsenya letsogo mo tirong ya bokopano joo a re seo ke go kgaogana le setshaba se ba se robang mo go bone. A re tiro ya boipelego e kgolo go tlhokomela matshelo a batho mme a supa fa e le pitso go direla lephata leo ka le tlhokana le motho yo o boineelo gape a le pelotelele. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Kereke ya AFM e rotloetsa metshameko mo kerekeng Kereke ya Apostolic Faith Mission e rile bosheng ya rulaganya metshameko ya bolotlowa le kgwele ya dinao kwa lebaleng la metshameko la Molepolole ka maiteko a go rotloetsa metshameko mo kerekeng. Metshameko eo e e bidiwang Med Plus AFM e ne ya tsenwa ke baphuthegi go tswa kwa Tlokweng, Gaborone, Mogoditshane le Molepolole. E rile fa a bua mo potsolotsong, motsamaisi wa metshameko mo AFM, Rre Stephen Keagakwa, a re metshameko eo ga e bolo go nna teng mo dingwageng tse some tse di fetileng fa e sale 2006. A re ka metshameko eo, kereke e lemogile fa banana ba na le kgatlhego mo go tshamekeng. O boletse gape gore metshameko eo e ntshitse batshameki ba tlhwatlhwa ba ba jaaka Phondo Keimetswe yo o tshamekelang BDF IX le ba bangwe gape ba ba tshamekang mo ditlhopheng tse dingwe. Keagakwa a re le fa go ntse jalo ba eletsa go bona metshameko eo e gola e bo e oka babogedi ba bantsi. William Motereko wa Gaborone AFM a re ba dumalane go simolola metshameko morago fa ba sena go lemoga fa go sena fa banana ba ka kopanang teng le fa ba ntse ba na le ditiro tse dingwe tsa kereke jaaka go tshwara diphuthego tsa ngwaga le ngwaga. O gateletse thata gore ka kereke e na le tiro e tona ya go dira pharologanyo mo setshabeng, banana ba ne ba tsaya sebaka se mo metshamekong go anamisa lefoko la Modimo mo metshamekong e e farologaneng. A re ba lemogile gore go na le kopano mo bananeng faesale metshameko e simologa ga mmogo le phetogo ya boitsholo le botsalano jo bo nonofileng. Mo go tsa bolotloa, Barati Nkokonyane a re metshameko e thusitse go aga basetsana ba le bantsi ka go nna le boitsholo jo bo eletsegang. Dikgaisano tseo tsa kgwele ya dinao di ne tsa felela ka Gaborone AFM e nna mofenyi e sena go betsa Tlokweng ka dinno di le 5-4 ka diphenalithi. Mo go tsa bolotloa, Tlokweng e ne ya padimola Molepolole 24-13. Dikgaisano tseo di ne di duelelwa ke Med Plus Medical Centre. religion_and_belief 8 Mosung o tshela ka poko Rre Nonofo Mosung wa kgotla ya Boswelakoko kwa Molepolole o tlwaelesigile thata ka poko. A re ene ke Nonofo Mosung wa Manga a Maotong, mosimane wa mainane le dithamalakane di patagane le diane. Monana yo, yo o tlwaelegileng thata ka leina la Blackboy, o tswa kgakala le poko ka e bile o ne a kwala a bo a gatisa buka ya maboko a Setswana ka ngwaga wa 2010 ya Mo nakong eno o tlhalositse fa a kwadile dibuka tse dingwe tse pedi tsa maboko tse a reng di emetse go gatisiwa. Rre Mosung o tlhalositse gore tlhotlheletso le lorato lwa poko di goteditswe ke go gola a fitlhela poko e le selo modiro mo losikeng lwa gagwe ka a re bangwe ba ba ileng ba mo ratisa poko ke Dipako Sesienyane le Mmolotsa Luke ba e leng masika a gagwe. A tswelela a supa fa Kagiso Beleme yo e leng tsala ya gagwe e bile ba ne ba ikatisa mmogo a rotloeditse a bo a thusa go epolola bokgoni jo a nang le jone mo pokong. A re le ntswa a ne a fiwa tlhotlheletso e ke ba losika le ene o ne a lemoga fa a na le bokgoni jwa go kwala dipolelwana le maboko a sa le mmotlana fa a tsena sekole se sebotlana sa Kealeboga. Go godisa bokgoni jo jwa go kwala maboko go ne ga tswelela ka a re o ne a nna a tsaya karolo ka go boka ka nako ya meletlo ya kabo dietsele ko sekoleng se segolwane le gone go diragatsa ka matsatsi a sekole a bodiragatsi. Lorato lwa go bala dibuka tsa bakwadi ba ba farologaneng ba akaretsa Moroka Moreri, Barolong Seboni le Kgomotso Mogapi le tsone a re di nnile le seabe mo kgodisng ya bokgoni jwa gagwe jwa go kwala poko. Rre Mosung o tsweletse ka go iteka ka gangwe le gape o tsenelela dikgaisano tsa bodiragatsi tsa malatsi a ga Tautona mme a re monongwaga ga a ka kgona go fetela ko legatong la bofelo, ka a felela fela ko dikgaisanong tsa dikgaolo. Go tlhoka go dira sentle mo dikgaisanong tseo o tlhalositse fa go sa mo kgobe marapo a tlhalosa fa go mo godisa a re o dumela gore motho o ithuta dilo tse disha malatsi otlhe. arts_culture_entertainment_and_media 0 Kgosi o kgala ditagi Kgosi Selomeng Nthobatsang wa kgotla ya Mapoka kwa Serowe a re o tshwenngwa ke ditagi tse di tsenang mo lefatsheng leno mme a kopa banana go emisa tiriso ya tsone. Kgosi Nthobatsang o ne a bua kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Serowe Borwa, Mme Pelonomi Venson-Moitoi kwa kgotleng ya Mapoka le Makolo kwa Serowe bosheng. A re ditagi le bogodu di busetsa Botswana kwa morago e bile ba ba inaakantseng le ditiro tseo ba felela ba lwala tlhaloganyo. Banni ba Makolo le Mapoka ba supile fa ba le ’bete se molwangwana ka tsela ya seatla sa madi e e sa tshelwang sekontere ka lerole la yone le sa ba ema sentle. E rile a tswa la gagwe, mokwaledi wa khansele potlana ya Serowe, Rre Terrence Ntalabgwe o ne a kopa banni go ba loma tsebe fa ba bona mongwe a latlhela matlaka mo molapong wa Motetshwane go na le go emela mopalamente ke gone ba bo ba re khansele ga e dire tiro. Rre Ntalabgwe o supile fa tsela ya Makolo e santse e le mo ditshekatshekong tsa go baakaangwa. Mogolwane wa ofising ya Omang, Rre Otsile Mapeu a re lephata la Omang le kgaotse dituelo tse di neng di duelwa ke Batswana fa ba kwadisitse Omang morago ga nako. Rre Mapeu o kopile gore Omang a ntshafadiwe pele ga dikgwedi di le lesome le bongwe di wela gore a bo a dule mo tirisong. O kopile bahiri go direla babereki Omang go na le go nna nabo go fitlhelela ba ba busetsa kwa magaeng ba godile ba sena Omang. Rre Mapeu a re Omang ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe e bile ga go ope yo o ka thusiwang fa a sena Omang. Mme Venson-Moitoi o kopile maitshwarelo mo morafeng go tlhoka go ba tlhola kgapetsakgapetsa. A re ga se ka bomo ka o a bo a na le Tautona mo maetong a go laela mafatshe a mangwe. Mme Venson-Moitoi o rotloeditse banni go kwadisa ditsha pele ga lebaka le le beilwe le wela go tila go duela bapotiedi. Mopalamente o kopile komiti ya ditlhabolo go tshwaragana go na le go itaana ka noga e tshela ka seo se dia ditlhabolo. O ba rotloeditse gore fa ba na le diphapang, ba buisane, fa go pala ba tlhopholole komiti gore ditlhabololo di tle di tswelele. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Bo mmamathwane ba inisa badirela puso kaje Go bolelwa fa go tlhorontshiwa ga badirela puso ke bo mmamanthwane go bakile go tswalwa ga diofisi dingwe tsa puso tsa kgaolo potlana ya Okavango. Kokelwana ya Eretsha e sale e tswalwa ngwaga e e fetileng ka ntata ya bo mmamanthwane ba ba gobeyang mo go yone. Kgosi wa Eretsha, Rre Boitshwarelo Mosinyegi, o gwetlhile puso go potlakela go baakanya seemo seo ka se ba baya kafa mosing mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke molaodi Rre Thabang Dikatholo le lekoko la gagwe go isa ditlamelo kwa bathong. “Se se bakile gore mooki le ene a name a isitswe go sele ka go sena fa a ka berekelang teng, seemo se se pateletsang morafe go latela ditlamelo kwa metseng ya Beetsha le Gunotsoga,’’ o gateletse jalo. Kgosi Mosinyegi a re ba sa le ba solofeditswe paakanyo ya kokelwana eo mme nako kgolo ke eno. Kwa motsaneng wa Gudigwa, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Gontsho Ngorogwe a re bo Mmamanthwane ba tlhorontsha bana le barutabana ka ba tletse gongwe le gongwe kwa matlong a borutelo, matlo a boroko a barutabana le mo diofising tota, ntswa go sa siamela botsogo. Kwa Gunotsoga le gone go bolwetse fa e le selo modiro leswe le moroko wa bo Mmamanthwane di fekeetsa bodiredi mo diofising tsa puso. Banni ba Gunotsoga ba bile ba ngongoregela go bo mooki wa bone a sale a ile kwa ga bone ka ntata ya bokoa, ka jalo ba sa bone ditlamelo tsa kalafi mme ba kopa gore a emisediwe ka yo mongwe. Kgosi Mosinyegi gape o kopile puso go potlakela go aga sekolo kwa motsaneng oo go tila gore ba seka ba tlhoka fa ba tla a tlang ba tsenela teng ngwaga e e tlang. A re mo nakong eno, palo ya bananyana ba le 150 ba tsenela mo dikamoreng di le pedi fela le gone ba di adimilwe ke ba Okavango Community Trust (OCT). “Re ipotsa gore fa puso e ka seke e re agele sekolo, ngwaga e e tlang bananyana ba tsile go tsenela fa kae ka gore palo e tlaabo e oketsegile,’’o boletse jalo. Kgosi Mosinyegi o bile a galaletsa badirela puso ba motse wa gagwe ka a re ba lorato ka jalo ba thusa morafe ka lorato le ka tlotlo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Sheka Ndara o ngongoregetse letlhoko la didirisiwa kwa lephateng la merero le ditsamaiso tsa makgotla a Setswana. O boletse gore mo nakong eno, badiredi ba lephata leo ba tsenya didirisiwa kgotsa dithoto tsa tiro di akaretsa madi mo dikgetsing tse di tlwaelesegileng ka leina la mo Zimbabwe ka ba sena didirisiwa. O kopile lephata le le tshwanetseng go potlakela go baakanya seemo seo ka se sa siama. Mo dikgannyeng tse di amang gape lephata la botsogo, banni kwa Gunotsoga ba ngongoregetse go bo e setse ele sebaka sa kgwedi ba sa kgone go bona kalafi fa e sale mooki wa bone a ya ga bone ka ntata ya bokoa, ba bo ba kopa gore a emisediwe ka yo mongwe. Kwa motsaneng wa Gudigwa, banni ba ngongoregetse go bo borogo jo bo tlodisang batho go ya kwa sekolong bo sa siama ka bo na le mahuti a ka nako tse dingwe bana ba wela mo go one. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Gontsho Ngorogwe a re mo nakong eno bana ba le bararo ba setse ba wetse mo mahuting ao mme ka lesego ga gona ope yo o latlhegetsweng ke botshelo ka metsi a ne a kgadile. E ne ya re a tsibogela dilelo tsa bone, molaodi wa kgaolo, Rre Dikatholo, o ne a bolela fa bothata jwa bo Mmamanthwane bo apere kgaolo ya Okavango ka bophara ebile puso e tshwere go batla tharabololo ka seemo seo. Mabapi le letlhoko la didirisiwa kwa kgotleng, motshwarelela mokwaledi wa makgotla a Setswana, Mme Malebogo Ledimo o boletse fa a tlaa kopa ba kgotla ya Beetsha go ba thusa ka mokwaledi. BOKHUTLO politics 7 Khama o gomotsa lolwapa lwa ga Sebele Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama o rometse molaetsa wa kgomotso kwa go ba lelwapa la ga Kgosikwena Sebele morago ga go tlhokafala ga ga Mohumagadi Bolivia Sebele I. Mohumagadi Sebele yo o neng a fitlhwaSeetebosigoa le lesome le boferabobedi, o tlhokafetse kgwedi ya Seetebosigo e le lesome. Mme Mma Sebele o ne a felegetswa ke dikgosi kgolo ka go farologana, tautona wa pele Rre Festus Mogae, baoki ba pele, le bodirelapuso ka go farologana. Fa a bala molaetsa wa kgomotso wa ga Tautona, molaodi wa Kweneng Dr Themba Mmusi o boletse fa Tautona a tlhaloganya botlhoko jwa go latlhegelwa ke mongwe wa lelwapa. Mo molaetseng wa gagwe, Tautona o kopile ba lelwapa la ga Kgosikwena Sebele go nna le tshepo le tsholofelo mo bogolong jwa modimo, a supa fa a lemoga fa tatlhegelo ya botshelo jwa Mohumagadi e amile Bakwena ka bophara. Tautona Dr Khama o lemogile le go leboga seabe se mohumadi a nnileng le sone mo go direleng lefatshe leno, e le morutabana le go nna mooki ka sebaka. Mme Mothusi Kenaletlhoko yo o neng a bua mo boemong jwa bana o ne a lebogela ka fa motsadi wa bone a ba tlhokometseng le go ba godisa ka teng, ka go ba fa molao wa botshelo o o badirileng se ba leng sone. O boletse fa mohumagadi a ne a le lerato mo go botlhe, e bile gape a sa batle bana ba ba senang setho. society 9 Dipalo tsa dikgetsi tsa matlhapa di a tshwenya Mothusa Kgosi wa kgotla ya Peleng kwa Lobatse, Mme Tshegofatso Setumo a re dipalo tsa dikgetsi tsa matlhapa tse ba kopanang le tsone di a tshwenya. O tlhaloseditse BOPA fa ba otlhaya ba dira molato ka thupa. A re borre ke bone ba ba otlhaiwang ka thupa fa bomme bone ba ba atlhola madi kgotsa kgolegelo a tlatsa ka gore dithupa ba atlhola tse thataro kgotsa kwa tlase. Kgosi Setumo a re dikgang tse dingwe tse ba kopanang le tsone ke tsa dititeo, bogodu le maitseo a a makgasa. A re go le gantsi, dikgang tse di diragala badiramolato ba gantsi e leng borre, ba bo ba iphetisitse dino. A re dipalo tsa dikgetsi tse ba nnileng le tsone go tla go tsena mo nakong ya gompieno di wetse tlase fa go tshwantshanngwa le ngogola. Kgosi Setumo a re o dumela gore thupa ke molemo e a aga ka gore fa ba sena go otlhaya badiramolato, go nna le diphetogo mo maitsholong a bone. A re ba dirisa thupa mme e re fa motho a sa fetoge e nne gone ba mo atlholelang kgolegelo. Mo go tse dingwe, Kgosi Setumo a re se sengwe se a se itemogetseng ke gore banana ba ba sa dirang sentle mo ditlhatlhobong tsa mophato wa boraro le wa botlhano ba itlhaganelela go bereka mo lenaneong la Ipelegeng mme a ba kgothatsa go tsena dikole tsa dithuto tsa diatla. A re banana bao ba a bo ba santse ba le dingwaga tsedi kwa tlase mme ebile ba na le sebaka sa go tsena sekole, go itirela bokamoso jo bo botoka. A re o rotloetsa gore lenaneo la Ipelegeng le dirwe ke batho ba ba godile. Banana a re ba tshwanetse go leka go batla ditsela tse ba ka itshetsang ka tsone go na le go tlhola ba a nwa majalwa le go inaakanyna le borukutlhi. A re banana ba ka inaakanya le mananeo a puso a ba a diretseng kgotsa temo-thuo. crime_law_and_justice 1 Seleka o amogela go tlhomiwa ga kgosi E rile bosheng banni ba Seleka mo kgaolong ya Sefhare/ Ramokgonami ba bo ba le mo boitumelong jo bogolo fa go tlhomamisiwa Kgosi Gabagopolwe Seleka go nna kgosi ya bone. Go bolelwa fa erile go tlhokafaleng ga ga Kgosi Kobe Seleka yo e leng rraagwe Kgosi Gabagopolwe Seleka ga tshwarelela Kgosi Moruakgomo Ramolelo yo o neng a tlhokafala ka ngwaga wa 2013 mme morago ga moo bogosi joo jwa tshwarelelwa ke Kgosi Makhurumola Baitswi. Fa a tlhomamisa Kgosi Seleka, Kgosi Sefhako Gaobuswe wa Ramokgonami o ne a kopa morafe wa Seleka go ema Kgosi Seleka nokeng le go tshwaragana le ene gore a kgone tiro ya go ba etelela pele. Kgosi Gaobuswe o ne a kopa Kgosi Seleka go amogela mongwe le mongwe le go reetsa se mongwe yoo a se buang ka kelotlhoko. A re kgosi ga a a tshwanela go tsaya letlhakore mme o tshwanelwa ke go atlhola kgang a sa sokamela ntlheng epe. O ne a bolela fa kgosi e tshwanetse gape go nna boikokobetso le boineelo mo morafeng o e o eteletseng pele. Ka jalo Kgosi Gaobuswe o ne a kopa Kgosi Seleka go fa morafe wa gagwe tlotlo ka le one morafe o ka mo fa tlotlo. O ne a rotloetsa Kgosi Seleka go obamela dinako tsa go tla mo tirong fela jaaka badirelapuso a bolela fa kgosi fela jaaka badirelapuso a tla tirong ka dinako tse di tshwanetseng. Kgosi Gaobuswe o ne a rotloetsa morafe wa motse wa Seleka go godisa kgosi ya bone ka go tshwaragana le ene le go isa dikgang kwa go ene gore a tswelele a nonofe e nne kgosi ya popota. Rre Moroka Motlhabane yo e leng motshwarelela bogosi kwa kgotlaneng ya Mogogoma gone kwa Seleka o ne a kopa Kgosi Seleka go itirela leina le le tshwanang le la ga rre rraagwe yo o neng a itsiwe ke ditshabatshaba. Kgosi Seleka o ne a lebogela morafe wa Seleka go bo o itlhaloganya le go bo o itse ditso tsa one. A re ba tswa kgakala le morafe wa gagwe ka kgang ya bogosi kwa motseng oo mme a bolela fa a itumeletse gore e feletse e wela fa e tshwanetseng go wela teng. politics 7 Tona o kgothatsa banni go tsena diphuthego Tona wa Dikago, Boranyane le Boitseanape, Rre Nonofo Molefhi, o kopile banni ba Ghanzi go tsena diphuthego tsa kgotla ka gore merero ya ditlhabololo e dirwa koo. Tona Molefhi o supile kgothatso eo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Ghanzi ka Mosupologo (Lwetse a le lesome le bobedi), a supa fa go le botlhokwa gore Batswana ba tsene diphuthego tsa kgotla ka dipalo tse di kwa godimo gore le bone ba kgone go nna le seabe mo go diragatseng melao le ditogamaano. Tona a re puso e tsere tshwetso ya gore maphata a itirele ditirelo tse dingwe jaaka go baakangwa ga dikago le dikoloi fa di senyegile lephata le tshwanetse go bona gore dikoloi tseo di baakanngwa jang. Tona a re ka jalo maphata a tshwanetse go ikemela ka dinao go bona gore ditirelo tsa go nna jalo di baakangwa ka bofefo go na le go nna sebaka se se leele. A re bontsi jwa maphata a tsaya lobaka go baakanya diofisi tsa bone fa di na le mathata. Tona Molefhi o boleletse banni bao gore dipalo tsa bana ba ba dirang dithuto tsa maranyane di kwa tlase mo lefatsheng leno, ka jalo o kopile batsadi go rotloetsa bana ba bone go dira dithuto tseo ka gore di botlhokwa fela thata. A re bontsi jwa ditiro tsa maranyane di tlhokana le dikitso tse di tseneletseng. O ne gape a tlhalosetsa banni bao fa tiro ya lephata la gagwe e le go dira ditogamaano le go tsaya ditaelo mo maphateng a puso gore ba batla go oketsa diofisi kana go aga. Tona o boleletse banni bao gore fa dikago tsa puso di agiwa go na le baitseanape ba e leng matlho a puso go lebelela gore dikago tseo di agiwa sentle. Mme puso e ne ya lemoga fa go na le bangwe ba ba sa direng tiro ya bone ka botlalo. Tona Molefhi gape o gakolotse banni bao gore ba tshwanetse go dirisa megala ya letheka ka kelotlhoko ka gore e na le ditlamorago tse di sa siamang mo botsogong jwa batho. A re fa ba bua le megala eo ga ba atshwanela go tsaya lobaka lo lo leele ba le mo mogaleng. Tona o boleletse banni bao fa maranyane a a phonyeletsang (radiation) a tla ka ditsela tse di farologaneng ka jalo ba tshwanetse go itlhokomela thata mo diphatseng gore ba seka ba amiwa ke ditlamorago tseo. Tona o ne a kopa banni bao go tswa ka dingwe tsa ditlhare tse di neng di dirisiwa bogologolo go alafa batho, a re ditlhare tseo di ka isiwa kwa baitseanapeng gore di tokafadiwe e nne melemo kana dipilsii tse di ka thusang Batswana jaaka setlhare sa moporota se se bonwang kwa kgaolong ya Ngami gotwe sone se ka alafa bolwetse jwa kankere( cancer). Tona o boleletse banni bao gore fa yo o nang le kitso ya gore setlhere sefe se ka thusa bolwetse bofe, ke go ikwadisa ka fa molaong gore ka moso mongwe a seka a go gweba ka setlhare seo, jaaka sengaparile se se gwebang ka batho ba mafatshe a a kwa ntle. E ne erile Kgosi Botshelo Lekgothu a amogela baeng mo kgotleng ya gagwe, a tlhalosetsa tona fa lephata la gagwe la dikago le sa dire sepe, a re sengwe fa se senyegile mo diofising tsa puso go tsaya lobaka go sa baakanngwe. Erile banni ba Ghanzi ba akgela, ba kopa gore go agiwe matlhabelo mo Ghanzi. Ba supile fa matlhabelo a Lobatse a sena mosola mo go bone ka gore le tsone ditlhawtlhwa di wetse tlase fela thata. Banni ba boleletse tona fa bontsi jwa dikago tsa puso di ntse fela di sa dirisiwe jaaka sepatela se segologolo le diofisi tse di neng di le tsa Supplies ka jalo ba kopa gore di neelwe dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse go di dirisa ka gore ba a di tlhoka. Banni bao ba ne ba kopa gape gore go tsisiwe ditlhabololo tse ditona tse di ka tsisang mebereko mo kgaolong ya Ghanzi. politics 7 Diterekere tsa ISPAAD di boutsana Makhanselara a kgaolo ya Legare ba re le fa ba itumelela tlhabololo ya lenaneo la temo la ISPAAD, ga ba jesiwe diwelang ke tlhaelo ya diterekere le didirisiwa tse dingwe tsa temo ya ditselana. Ba buile jalo kwa phuthegong ya khansele ya Legare e e tsweletseng, ba akgela morago ga molaetsa wa molomaganyi wa lenaneo la ISPAAD go tswa Gaborone, Rre Lepodisi Tekelelo. Rre Telekelo o ne a sa tswa go tlhalosa ka tlhabololo ya lenaneo le. Makhanselara ba boletse fa diterekere tse thataro tse di ntshitsweng ke puso go lemela batho di tlhaela kgaolo ka e tona. Ba tlhalositse fa bontsi jwa beng ba diterekere ba se na dipolantere. Ba re seemo se se ka dika se paledisitse bangwe go lema. Mokhanselara wa Senete go tswa kwa kgaolong ya Tutume, Rre Tabona Saulo o ne a lebogela puso lenaneo le fela a e gakolola go batla mmaraka wa thobo ka jaana e tlaa nna ntsi thata. O boletse fa letlhafula le le sa tswang go feta magapu a ne a le mantsi thata ka balemi ba ne ba itse go na le mmaraka wa dikole tse dipotlana. Mokhanselara yo o tlhophilweng ke tona, Rre Lesedi Phuthego o ne a tlhalosa fa a le molemi wa terekere, mme a re go bona mofufutso wa phatla mo pusong morago ga go lemela batho go diega mo go ba paledisang go reka didirisiwa. O thalositse fa bangwe ba ba dikileng ba lemetse batho ka lenaneo la puso ba ise ba duelwe le jaana. Rre Phuthego o gakolotse gore bogolo puso e tsenye letsogo e thuse balemi go reka digogi le didiriswa tsa temo. E rile a ba kgwa dikgaba, Rre Tekelelo a kopa makhanselara go isa lenaneo kwa balemi-baruing, a ba solofetsa gore ba tlaa leka bojotlhe gore dituelo di fefosiwe gore tiro e tsamae sentle. Rre telekelo o ne a gakolola makhanselara gore balemi ba ba palelwang ke go reka didirisiwa tsa temo ba ka ikopanya go kokoanya madi, mme morago ba a kgaogane ba di rekelana. O kopile makhanselara go rotloetsa beng ba diterekere gore ba tsise bakgweetsi ba diterekere dithutong tsa go lema ka nako e e beilweng. BOKHUTLO politics 7 Bomme ba Mogorosi ba itshetsa ka borotho E rile go lemoga fa go se motlhofo go bona tiro mo malatsing ano, bomme ba le batlhano ba Mogorosi ba ipopa setlhopa go itshimololela kgwebo ya kapei ya borotho. E rile fa a tlhalosa mo puisanong le lekalana la dikgang bosheng, mogolwane wa Mareledi Bakery and Confectionary, Mme Obona Kamogelo a bolela fa ba bone thuso ya P137 418.23 mo lekalaneng la gender affairs mme ba kgona go reka di dirisiwa tsotlhe tse di tlhokafalang mo kgwebong ya kapei ya borotho. Mme Kamogelo a re ba tlhophile kgwebo ya go apaya borotho ka go bo ba bone gore borotho bo a tlhaela mo kgaolong ya bone mme e bile gape ba lemogile fa motse o gola ka go na le sekolo se sebotlana le se segolwane ka jalo bareki ba borotho ba ntsifala. Mme Kamogelo, o tlhalositse fa banni ba motse ba amogetse kgwebo ya bone ka atla tsoo pedi e bile ba supile fa ba tla a ba rotloetsa fela thata. O tsweletse a tlhalosa fa kgwebo e tsamaya fela sentle ka banni ba kgatlhegela borotho jwa bone e bile ba bolela fa ele jwa boleng jo bo kwa godimo. A re ntswa kgwebo e tsamaya sentle, go na le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone jaaka kgaogo ya motlakase le metsi tse di bakang gore nako tse dingwe kgwebo e eme ka go a bo go sena gore ba ka apaya ka eng ka ba tlhoka dilo tse pedi tse go tsamaisa kgwebo ya bone. O boletse fa ba setse ba tseneletse thuto puisano e e neng e rulagantswe ke ba Gender Affairs mme ba ithuta ka go tsamaisa kgwebo bogolo jang fa ba le setlhopha ka ba tshwanetse go nna seopo sengwe. A re le ntswa ba le basha mo kgwebong, ba na le ponelopele ya gore e tla tsamaya sentle e bo e ba sologela molemo gore ba kgone go itshetsa le ba malwapa a bone. Mongwe wa setlhopha seo, Mme Oratile Lepedi o kgothaditse bomme go ikemela ka dinao gore ba lwantshe lehuma mo malwapeng. A re o rotloetsa Motswana mongwe le mongwe yo o filweng dithuso go di dirisa sentle go itirela kgwebo ya sennela ruri e e tla a reng mo isagong e tlhamele Batswana ba bangwe ditiro.BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Itshetseng ka meamuso ya tlholego - Somolekae Puso e rotloeditse banni ba metse ya Qangwa le Xaixai mo kgaolong ya Okavango go itshetsa ka meamuso ya ditsa-tlholego tse di leng fa go bone. Fa a buisa diphuthego kwa metseng eo bosheng, mothusa tona yo gape e leng motshwarelela tona ya tsa tikologo, diphologolo le bojanala Mme Gloria Somolekae o tlhalositse fa go le botlhokwa gore banni ba metse e ba tswe ka megopolo e ba ka dirisang ditsa tlholego go itshetsa ka ba nna gaufi le tsone. O tsweletse a supa fa go tlhamilwe lekalana la motse la Qangwa Development Trust ka dithuso tsa puso gore go dirwe mafelo a boroko a batho ba metse ba ka kgonang go bona ditiro mo go one. A re gape puso e tshwenyegile thata ka kgang ya diphologolo di tshwana le ditlou tse di tsweletseng di senyetsa batho kwa masimong mme a supa fa ele maitlamo a yone go thusa metse eo. O tlhalositse fa puso e tsere tshwetso ya go bula ofisi ya diphologolo kwa motseng wa Sehithwa fa kgwedi eno e fela go thusa bodiredi gore bo nne gaufi gore bo kgone go tsibogela mathata a go senyetswa ke diphologolo fa a tlhagoga. Mme Somolekae o kaile gore go botlhokwa gore morafe o dirisanye le bodiredi sentle gore seemo se se fenngwe. A re puso e tlamiwa ke melao ya mafatshefatshe go tlhokomela diphologolo le gone gore ba seka ba di bolaya. Fa a ama tsa botsogo, o gakolotse bomme go emisa go belegela kwa malwapeng go sena ba bongaka gonne go borai fela thata mo matshelong a bone. O kopile batsadi go jesa bana dijo tse ba di neelwang kwa sepateleng mme a kgala bomme ba ba tsamayang le bana fa baya go nwa majalwa mme a rotloetsa botlhe ba ba tsayang dipilisi go sala ditaelo tsa bongaka morago. Mothusa molaodi wa kgaolo, Rre Tshepo Mogojwe o boletse fa lephata la bone le a mangwe ba na le lenaneo la go nna ba etela metse e e kgakala le ditlamelo go di tlisa gaufi le bone mme le mo ngwageng ono ba ntse ba tsweletse ka go dira jalo. society 9 Masole le mapodisi ba abetse lefatshe Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a re Botswana o agilwe a ba a bopelwa mo moweng wa boipelego le botho, mekgwa e e tshwanetseng go somarelwa. O buile jaana a amogela P20 million ka Laboraro go tswa kwa go ba sesole, sepodisi a ba a kokoanyeditseng letlole la COVID-19. Mapodisi le masole ba kolekile P10 million mongwe le mongwe wa bone go ya kwa letloleng le, le le thusang puso go lwantsha manokonoko a a bakilweng ke segajaja sa COVID-19 le ditlamorago tsa one mo itsholelong. Tautona Masisi a re ka jalo mongwe le mongwe ke pinagare, seikokotlelo kgotsa tlhomeso mo mererong ya go lomaganya setshaba. A re Batswana ba tshwanetse go tshwaragana, go tlhokomelana, mowa o a reng o tshwanetse go fitlhelela kwa dikokomaneng. Fa a bua kwa moletlong oo, Tona wa Ofisi ya ga Tautona, Puso le Bodiredi, Rre Kabo Morwaeng o boletse fa se se dirilweng ke mapodisi le masole se netefatsa mafoko a Motswana a a reng; Kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. A re Batswana ba motlotlo thata ka masole le mapodisi ka jaana ba intshitse setlhabelo go sireletsa lefatshe le Batswana ka kakaretso, le mo nakong ya go tlhagoga ga malwetse a tshwana le jwa COVID-19. Tona Morwaeng a re mowa o, o tlaa tswelela le go feta mo dinakong tseno tsa segajaja se, a tlatsa ka go re se, se tlaa thusa mo go fitlheleleng lengwe la matshego a lefatshe leno la boipelego. O ne a netefatsa fa dithuso tsotlhe di tlaa dirisediwa tse di tshwanetseng, a ba a tlatsa ka go re go tlaa nna le pego e e tlhalosang kgotsa e e supang gore dithuso tsotlhe di dirisitswe jang. Tona wa Itshireletso, Molao le Thokgamo, Rre Kagiso Mmusi o lebogetse masole le mapodisi go ntsha seabe sa bone se a reng ba se dirile ka botswapelo le boithaopo go thusa puso. O ne a leboga boeteledipele jwa sesole le sepodisi le botlhe ba ba koleketseng letlole le gammogo le boithaopo le go intsha setlhabelo ga banna le basadi ba sesole le sepodisi mo go di gogeng kwa pele go thusa puso mo go lwantsheng bolwetse jwa COVID-19. Tona Mmusi o ne a leboga Batswana ka kakaretso go bo ba obamela melawana e e beilweng ke puso mo go lwantsheng kanamo ya mogare wa corona. Ramasole, Lt Gen. Placid Segokgo ene o boletse fa lefatshe leno le tswa kgakala le tumile ka mowa wa boipelego. A re mowa o, o thusitse go dira ditiro di le mmalwa di tshwana go agwa ga Mmadikolo le sekole se segolo sa Moeng gareng ga tse dingwe. A re masole le babereki ka bone ba kolekile madi a ka boithaopo, e le go diragatsa lengwe la matshego a sesole la Thebe ya Setshaba. Lt Gen. Segokgo a re kwa tshimologong ya go lwantsha segajaja, masole ba koleketse letlole leo P500 000. Ramapodisi, Rre Keabetswe Makgophe ene a re mapodisi ba supile mowa wa bone o ba tswang kgakala le one mo go di gogeng kwa pele mo go tsa tlhabololo matshelo. A re mapodisi ba na le mowa wa tirisanyo mmogo o o tswang kgakala e le one o o bopang le go tshwaraganya sepodisi, ka jaana e rile fa mokgosi o o tlhajwa, ba kgona go koleka P400 000 kwa tshimologong. Rre Makgophe a re mapodisi ba supile gore tiro ya bone ga se fela go di goga kwa pele fa go le thata, ka jaana ke tiro ya bone ya letsatsi le letsatsi go tlhomamisa gore setshaba se sireletsegile. A re mapodisi ba tlaa dira tsotlhe tse di tshwanetseng go lwantsha segajaja sa COVID-19. health 6 Ditsa tlholego di ka tlamela banni Lephata la tshomarelo ya dikgwa Forest Conservation Botswana (FCB) le rotloeditse mekgatlho go dirisa mananeo a ka one ba ka kgonang go itlhamela ditiro. Baemedi ba lephata lephata leo ba buile seo bosheng kwa phuthegong ya kgotla kwa Lerala. Maikaelelo a phuthego e ne e le go itsise banni ka mananeo a FCB. Mogolwane wa FCB, Mme Francinah Cole, o ne a bolela fa morafe kana mekgatlho e e mo motseng e tshwanelwa ke go lebelela tikologo ya bone go bona gore go na le eng se se ka dirwang ka dikgwa tsa bone mme ba kopa dithuso tsa madi go dira seo. A re mekgatlho bogolo jang dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di ka sekaseka gore di ka dira lenaneo lefe go somarela dikgwa tsa bone. Mme Cole a re ba ka dira lenaneo la gore ba somarele ditsatlholego tse di ntseng di le teng gore di seka tsa nyelela ka go dira tsa bojanala ka tsone le gone go laola go bapala tse di fitlhelwang mo dikgweng di tshwana le bojang, mmu kana ditlhare tse di dirisiwang go alafa malwetsi mangwe. A re gape ba ka laola gore dikgwa di seka tsa senyega di tshwana le go dira tse di ka kganelang metsi go senya dikgwa. Mme Cole o tsweletse a re lenaneo le lengwe le ba kgonang go le ntshetsa madi ke le le itebagantseng le go dira ditshekatsheko mme di itebagantse le dikgwa. A re ba ntshetsa gape madi bojanala jwa dinonyane le gone go tsaya mafelo a bojanala dinepe. O tlhalositse fa madi a a ntshiwang ke ba FCB a sa busiwe mme a fiwa mekgatlho e e kwadisitsweng ka fa molaong e bile e se ya puso, jaaka mekgatlho e e tlhabololang metse (trusts) le dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse fa ba supile gore ba na le lenaneo lengwe le ba batlang go le dira mme le itebagantse le tshomarelo ya dikgwa. A re go na le mabaka mangwe a a faphegileng a ba kgonang go thusa maphata mangwe a puso fa a na le lenaneo lengwe le le amanang le go somarela dikgwa mme a supile fa a sena madi a a tswang mo pusong a itebagantse le lenaneo leo. A re mo nakong eno ba setse ba thusitse mekgatlho e le mokawana mme ba tlaa tswelela ka go thusa mekgatlho go ya ka dikopo tsa bone. O ne a bolela fa ba rotloetsa bogolo jang banana ba ba sa direng ka ba ka kgona go itlhamela ditiro ka mananeo a FCB. environment 5 Kidz Academy e rotloetsa ngwao ya Sengwaketse Kgosikgolo wa Bangwaketse, Kgosi Malope II le tona wa pele, Rre Peter Siele ba ne ba itumelela thata fa baithuti ba sekole sa Kidz Academy International School ba supa motshameko wa ngwao, ka tsamaiso ya lonyalo lwa Setswana bogolo jang lwa Sengwaketse. Baithuti ba sekole sa Kidz, ba ne ba supa motshameko ba dira ka matsetseleko ka tsamaiso ya lonyalo lwa Sengwaketse. Modiro oo, o ne o tshwaretswe kwa sekoleng seo bosheng maikaelelo e le go supa ngwao ya Sengwaketse. Motshameko o ne o rokotsa mathe, fa bagolo le kgosi ba ne ba bona ka fa baithuti bao ba supang tshimologo le bokhutlo jwa go batla ngwetsi. Ba supa ka fa go rerisanngwang ka teng le gore go rongwa bomang, go buiwa go tweng, go fitlhelela tiro ya lonyalo e wediwa ka botswerere. Ba rutile ka bogadi gore go ntshiwa dikgomo di fera bobedi le nku ya mokwele ka tseo ya Sengwaketse. Monna o bodiwa gore a o agile e seng jalo ga a kake a bona mosadi. Magosana le bagolo ba ba neng ba tsene letsatsi leo, ba dumalane fa baithuti ba le mo tseleng. Mongwe wa dibui, e bile e le mmoki wa popota, Rre Bakang Lesole, yo o neng a le molalediwa wa tlotla, o tlhalositse fa ngwao e le boswa e tshwanetse ya somarelwa thata gore dikokomane tse di tlang di e fitlhele e sa nyelela. Rre Lesole a re ngwao e fa batho boleng jwa bone le serite, le fa ngwao e fetoga ka dinako. A re batho ba tshwanetse go ipelafatsa ka ngwao ya bone. A re Batswana ba tshwanetse go ipela ka Setswana sa bone le mebala ya bone. O galaleditse baithuti go bo ba rotloetsa ngwao ka botswapelo ba sa tsamae le ya sekgoa fela. ENDS arts_culture_entertainment_and_media 0 Kgotla e a ilelwa Mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Kentse Rammidi o gakolotse banni ba Lekgolobotlo kwa kgaolong ya gagwe gore diphuthego tsa dikgotla ga di a tshwanelwa go tsenwa ke batho ba apere mebala ya makgotla a sepolotiki. O kgadile mogopolo oo, fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Lekgolobotlo bosheng, a bolela fa ditlhopho tsa setshaba di le gaufi, mme baipapatsi ba dira go swela, mo ba tsenang diphuthego tsa kgotla ba itshupa ka kapari. Rre Rammidi o boletse fa selo seo se kgoreletsa ditsamaiso tsa kgotla. O boletse gape fa a tshwenngwa ke ditlhopho tsa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse, a re jaanong go tlhophiwa ka sepolotiki. O boletse fa go sa tlhophiwe bonatla le boikarabelo jwa motho mme go gamolwe ba bangwe ka gore ke ba phathi nngwe. O boletse fa kgotla e tshwanetse ya tlotlwa thata ka ebile e laolwa ke kgosi yo o emetseng mongwe le mongwe mo motseng. Are le fa mafoko a kgotla ale mantle otlhe, a go tlhabana ka sepolotiki ga a tshwanela go dirisiwa. O ga gakolotse banni gore ba ikwadisetse ditlhopho tsa monongwaga, a re go nna le seabe ke boikarabelo ja Motswana mongwe le mongwe, a bolela fa ditlhabololo di dirwa go lebilwe dipalo tsa batho mo metseng ka go farologana. Mo go tse di dingwe, Rre Rammidi o ba boleletse ka lenaneo la go simolodisa tirelo setshaba , o boletse fa go tla bo go kwadisiwa banana ba dingwaga tse di masome a mabedi go fitlha go masome a mararo, ba ba sa direng sepe, ba dithuto tsa lekwalo la bosupa go ya mophato wa boraro wa dikwele tse dikgolwane. ‘’Mme nna ke kgatlhanong le tirelo setshaba ee rebotsweng eo, ke go senya madi a setshaba fela ka gore ga e na bokamoso mo bananeng bao fa ba fetsa, ga e ba ntshe mo mekgwatlheng, ga e thuse sepe, legale ikwadiseng,’’ a rialo Rammidi. O boletse fa go tsile go dirisiwa madi a selekanyo sa didikadike dile P128 ka ngwaga. Rammidi are go k abo go le botoka gore banana ba thapiwe mo ditirong tsa sennela ruri, a re tirelo setshaba e tshwana fela le Ipelegeng ka P500 wa dikatso a le monnye thata. Fa itebaganya le tsa ditlhabololo, a bolela fa dingwe tsedi neng di solofeditswe di santse di emisitswe ka gore kwelo tlase ya itsholelo e santse e apesitse lefatshe kobo ka letshoba. Fa itebaganya le tsa temo, o kgothaditse balemi -barui go tsosa diterata tsa bone gore dikgomo di seka tsa ba halatsa mo masimong, le gore beng ba dikgomo le bone ba ititeye ka thupana go disa dikgomo tsa bone go itsa dikgogakgogano. BOKHUTLO politics 7 Boitsholo jwa baithuti bo a hatlha Mogokgo wa sekole se segolwane sa Seepapitso kwa Kanye, Mme Khumo Phori, a re maitsholo a baithuti bangwe kwa sekoleng sa gagwe ga a jese diwelang. A re baithuti bao ga ba na botho e bile bangwe ba goga motokwane fa bangwe ba sa tsene sekole sentle. Mme Phori o buile mo potsolosong bosheng gore go na le setlhopha sengwe sa baithuti se se itsegeng ka go goroga kwa sekoleng morago ga nako e bile se tlhagela ka diphatlha tse di mo terateng ya sekole fa bangwe ba iphitlha mo meseleng e e mo sekoleng ba emetse nako ya dijo mme e re ba sena go ja ba boele mo meseleng eo gape. Mogokgo o tsweletse a tlhalosa gore e bile batsadi bangwe ba setse ba kile ba tla go ngongorega gore ba tlhola ba bona bana mo meseleng ya sekole mme ba ipotse gore ba tsenea dithuto leng. Le fa go ntse jalo, mogokgo o ngongoregetse gore batsadi ga ba tsene diphuthego tsa batsadi le barutabana, selo se a reng se dira gore ba seka ba itse ka boitsholo jwa bana ba bone kwa sekoleng. A re thuto ya bana ga se boikarabelo jwa barutabana fela, a re batsadi ba tshwanetse go tsaya karolo mo thutong ya bana ba bone ka go dira jalo ke gone go eleletsa ngwana katlego mo botshelong. Modulasetilo wa komiti ya boitsholo, Rre Durah Leepile le ene o ne a iteela kobo moroko gore boitshwaro jwa bana bangwe mo sekoleng bo a tshwenya. Rre Leepile a re go na le setlhopha sengwe sa basimane se se tsamayang se tshotse dithipa, dikere le melamu mme se lwantshe baithuti ba bangwe. A re baithuti bao ga ba tsene dithuto sentle, ba iphitlha kwa sekgweng mo sekoleng ba pakile majalwa a a farologaneng ga mmogo le motokwane mo dibekeng tsa bone mme ba nne koo ba a nwa ba goga. Rre Leepile a re ba setse ba kile ba tshwara setlhopha sa basimane ba supa ba bo ba bitsa batsadi ga mmogo le mapodisi mme ga dumalanwa gore ba kgwathisiwe ke lekgotla la goo Sebako ka jaana ba ne ba padile. Rre Leepile a re baithuti ba le batlhano ba ne ba tlhasela bangwe ba ba neng ba tshwaretse dikgaisano tsa motshameko wa chess mo sekoleng seo ba tshotse dithipa mme ba ba kgothosa megala ya letheka e le lesome le borataro. Gape Rre Leepile o kopile barekisi bangwe ba ba rekisang mo dimausung tse di bapileng le sekole seo go emisa mokgwa oo maswe wa go rekisetsa baithuti motsoko ga mmogo le motokwane. education 4 Dipaakanyo tsa peo ya Kgosi di tsweletse Morafe wa motse wa Tshesebe o tshwere ka natla go baakanyetsa peo ya kgosi ya motse oo Kgosi Motlotlegi Kachana, e e rulaganyeditsweng go tshwarwa kgwedi ya Seetebosigo e le masome a mabedi le bosupa. Go ya ka modulasetilo wa komiti e e gogang kwa tlhogong dipaakanyo tsa tiro eo Rre Semonda Masole, ipaakanyo e tsweletse sentle mo e bileng ba setse ba kgonne go bona sephatlo sa madi a dikete tsa dipula di le masome a matlhano a ba dumelang fa e le one ba tlaa a tlhokang go dira tiro eo. Rre Masole o tlhalositse mo potsolotsong bosheng fa a itumelela ka fa dilo di tsamayang ka teng, mme le fa go ntse jalo o ne a supa matshwenyego ka go salela morago ga bana ba motse wa Tshesebe ba ba direlang kwa ntle ga motse oo. A re maiteko a bone a go ngoka bana bao go tsenya letsogo ga a atlega go le kalo ka e le ba sekae fela ba tsibogetseng kopo ya komiti ya gore ba latlhele sepenyana mo letloleng la tiro ya peo ya Kgosi. Moanamisa mafoko wa komiti Rre Dennis William le ene o ne a supa fa ba tsweletse sentle ka dipaakanyo. A re dikgotlana tsa motse oo di ne tsa kgaoganngwa ditiro mme mo nakong eno go itumedisa go bona fa tsotlhe di tsentse moko mo nameng go bona gore di fitlhelela dithomo tsa tsone. Rre William o gape o ne a phophotha legetla banana ba motse oo, a tlhalosa fa ba tsentse letsogo mo dipaakanyong ka tsela e e tlhapisang pelo.O ne a boa a lebogela dikomiti tsa motse, segolo jang ya ditlhabololo tsa motse thotloetso e ba e fang komiti ya peo ya Kgosi. A re go kitlana le go goga mmogo ga dikomiti ka go farologanya go tlaa tlhofofatsa tiro mme go dire gore go bewa ga ga Kgosi Kachana mo setilong go atlege fela thata. Kgosi Kachana o tsaya setilo sa bogosi jwa motse wa Tshesebe morago ga loso lwa ga rangwanaagwe, Kgosi Kedifentse Kachana yo o tlhokafetseng ka ngwaga wa 2013. Kgosi Kedifentse ene o ne a tshwareletse bogosi jwa motse oo go tloga ka 2001 fa Kgosi Matsapa Kachana a sena go tlhokafala ka ngwaga wa 1999. society 9 Ipabalele ka go bula matlhabaphefo Setshaba, bakgweetsi le bapagami ba dikoloi tsa setshaba ba kopilwe go bula matlhabaphefo a dipalamo ka dinako tsotlhe. Mafoko a, a builwe ke mogolwane wa lekalana la thuto ka bolwetse jwa kgotlholo e tona kwa kgaolong ya legare, Mme Baitsekgabo Majelantle kwa phuthegong e e neng e tshwaretswe kwa maemelong a dipalamo tsa setshaba tsa Serowe bosheng. Mme Majelantle o ne a kopa bakgwetsi ba dipalamo tsa setshaba go kokometsa dipampiri tsa melaetsa mo dipagamong tsa bone go anamisa molaetsa oo. O tlhalositse fa go ya ka dipatlisiso tse di dirilweng bosheng, kgaolo ya legare e le nngwe ya tse di amilweng thata ke bolwetse jwa kgotlholo e tona. A re ba tsere tshwetso ya go rutela setshaba kwa se leng sentsi teng, ka ke nngwe ya ditsela tsa go atametsa ditlamelo kwa setshabeng. O boletse gore lephata la gagwe le ikaelela go fitlhelela seelo se se beilweng ke puso sa go nyeletsa kanamo ya mogare gotlhelele. A re ba lemogile fa batho ka bontsi ba sa tseye bolwetse jwa kgotlholo e tona tsia, a tlatsa ka gore go tlhoka go bula matlhabaphefo a dipalamo tsa setshaba go borai ka go ka anamisa mogare wa bolwetse joo motlhofo. Mme Majelantle o bile a supa fa a tshwentswe ke dintsho tse di oketsegang ka ntlha ya bolwetse joo, a supa fa mo ngwageng o o fetileng, go tlhokafetse batho ba le masome a marataro ka ntlha ya bolwetse jwa kgotlholo e tona. A re o tshwenngwa ke gore batho bangwe ga ba potlakele tlhatlhobo le ntswa go na le dikai le go sa tseye kalafi sentle fa ba setse ba tlhatlhobilwe. O gwetlhile ba malwapa a ba ba amilweng ke bolwetse jwa kgotlholo e tona go potlakela go itlhatlhobela bolwetse. Mme Majelantle a re ba lephata la botsogo ba lemogile gore bolwetse jwa kgotlholo e tona bo tsamaelana thata le mogare wa HIV, ka jalo go le botlhokwa gore motho a itlhatlhobele megare eo ka bobedi. O kopile setshaba se se neng se tshologetse mokgosi go tsaya molaetsa, go o fetisetsa kwa diphutlhegong di tshwana le dikereke le mekgatlho ka go farologana, kwa batho ba phuthegang ba le bantsi teng, go fokotsa kanamo. health 6 Banni ba dumalana le molawana wa kabo ditsha Banni ba Mowana mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba atlile molawana wa makgotla a kabo ditsha wa gore ditsha tse di sa tlhabololwang mo sebakeng se se rileng di gapiwe go ka abiwa sesha. Mo phuthegong e e neng e buisiwa ke ba lekgotla la kabo ditsha la Tati kwa motseng oo bosheng, banni ba supile fa go le botlhokwa gore molawana oo o diragadiwe go itsa go tlhagoga ga matlotla mo gare ga motse. Modiri wa lekgotla la kabo ditsha la Tati, Rre Moagi Dipholo o tlhalositse fa go na le sebaka se ba se beelang moikopedi go tlhabolola setsha sa gagwe, mme a ba kgothatsa go diragatsa se se tlhokwang ke molao morago ga go abelwa ditsha. Monni mongwe, Rre Richard Monthe o boletse fa ba tshwentswe thata ke ditsha tse di sa tlhabololweng mo motseng oo, a bolela fa se se dirwa ke gore bontsi jwa baikopedi ba kopa ditsha ba sena maikaelelo a go di dirisa, ka jalo ba a di ikgatholosa morago ga go di abelwa mme fa gongwe ba di rekise. O tlhalositse fa molao o tlhamaletse fela sentle ka o kaya fa moikopedi a fiwa sebaka sa dingwaga tse tlhano go tlhabolola setsha sa bonno, fa sa kgwebo e le ngwaga mme sa tshimo e le dingwaga tse tharo. Le fa go ntse jalo, o boletse fa mo nakong eno go nale ditsha tse di nang le dingwaga ngwaga di sa twe sepe gotlhelele, seemo se a kaileng se tshwenya fela thata. Rre Monthe o tsweletse a tlhalosa fa ba lekgotla la kabo ditsha la Tati ba supile fa ba na le kgwetlho e tona ya tlhaelo ya lefatshe, ka jalo go tsaya ditsha tse di sa tlhabololwang mo nakong e e beilweng, go ka ba thusa go fokotsa palo ya baikopedi ba ba santseng ba letile go bewa ditsha. Fa a tswa la gagwe, monni mongwe wa motse oo, Rre Oagile Mokowe o kgadile mokgwa wa batsadi bangwe wa go gatelela bana ba bone go ikopela ditsha le ntswa bone ba sena keletso ya go dira jalo. A re se, ke sone se se bakang gore go nne le ditsha tse dintsi tse di phuagantsweng di sa tlhabololwa mo motseng. Monni yo mongwe, Rre Prince Aaron ene o kaile fa go supagala fa ba kabo ditsha ba sa diragatse molawana oo ka tlhoafalo, gonne fa ba ka bo ba dira jalo go ka bo go sena matlotla mo lefatsheng leno. Rre Isaiah Muzila o kopile tirisanyo mmogo fa gare ga bogosi le balebedi ba lefatshe, a supa fa balebedi ba lefatshe bone ba baya monwana fela mo dikopong tsa baikopedi, ntswa ba sa dira ditshekatsheko tsa gore a mme moikopedi o na le maikaelelo a go aga mo motseng. O supile fa ba tshwanetse go dirisanya mmogo le ba bogosi ka kgosi e le ene a ka rurifatsang gore moikopedi ke monni wa motse oo ka gonne ba lemogile fa bontsi jwa banana ba tla le ditsala tsa bone go tswa mo mafelong a a farologaneng go tla go ikopela ditsha mo motseng oo. Le fa go ntse jalo, o gateletse botlhokwa jwa gore molawana oo o salwe morago ka botlalo. society 9 Makhanselara a gana go bewa pele pego E ne ya re ka Laboraro, makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba a gana go bewa pele mokwalo wa lenaneo la borobabobedi la ditlhabololo tsa kgaolo (District Development Plan 8) ba re ga ba a fiwa sebaka sa go o lebisisa. Mo phuthegong e e faphegileng, makhanselara a ne a bua ka lentswe le le lengwe go ganana go bewa pele pego eo, ba supa fa ba sa tshwanela go fetisa ditshwetso tse tota ba sa nnang le seabe mo go tseweng ga tsone. Ba ne ba gana go sekegela tsebe boikuelo jwa modulasetilo wa khansele Mme Florah Mpetsane jwa gore ba lemoge fa mokwalo oo, o beetswe gore o bo o gorogile ko lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae gone mo letsatsing leo la phuthego. Mokhanselara Bakani Badziili wa Siviya, o ne a tlhalosa gore e re ka jaana a letse a amogetse mokwalo oo mo bosigong jwa letsatsi le le fetileng, ga go maleba gore a bo a ka solofelwa go nna le seabe mo go thuseng go o betla pele o fetisediwa kwa pele. O ne a kopa gore e re ka jaana le bangwe ka ene le bone ba bone mokwalo oo nako e ile, makhanselara a tshwanetse a fiwa sebaka sa go ya go o bala pele ba ka bidiwa gape go tla go akgela mo go one. Fa a tshwaela, mokhanselara Kudzani Tobokwani wa kgaolwana ya Themashanga le ene o ne a supa fa go se maleba gore ba bo ba solofelwa go fetisa mokwalo o ba sa itseng se o buang ka ga sone. Rre Tobokwani o ne a supa fa lenaneo la ditlhabololo tsa kgaolo le le botlhokwa thata ka jalo le sa tshwanela go tsewa motlhofo ka banni ba kgaolo ba ya go ikaega ka lone dingwaga tse dintsi. Le ene jaaka ba bangwe o ne a kopa tlosoloso ya phuthego go fa makhanselara sebaka sa go ya go tlhodumela mokwalo oo gore e re motlhang ba bidiwang ba bo ba tlhaloganya se se leng mo go one. Bokhutlo politics 7 SELEBO e ipelela katlego Molomaganya ditiro wa Botswana International University of Science and Technology (BUIST), Mme Leapotswe Bantsi, o tlhalositse gore maduo a mantle a dirwa ke go tsaya tiro ka tlhwaafalo le go bereka ka natla. O ne a bua jaana kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke kgaolo ya Selebi Phikwe-Bobonong e itsegang ka leina la SELEBO. Moletlo o ne o rulaganyeditswe go abela bana ba ba dirileng sentle mo dithutong tsa bone tsa ngwaga wa 2013 /2014 le badiri ba ba berekelang kwa dikolong. Mme Bantsi o ne a tlhalosa gore motho ke ene a ka bopang botshelo jwa gagwe go nna se a batlang go nna sone. O ne a tlhalosa gore mo malatsing a gompieno batho ba kopana le dikgwetlho tse di farologaneng, dingwe e le tse di kgoberang maikutlo fa tse dingwe e le tse di lebegang di siametse matshelo a batho, mme batho batshwanetse go bona tse di ka ba solofelang molemo. Mme Bantsi o tsweletse ka gore lefatshe la Botswana le tshwanetse go nna mo seemong se batho ba lone ba ka iteisanang borathana le mafatshe a mangwe mo go tsa thuto. O ne a kgotlhatsa barutabana go tswelela ba ntsha thuto e e nang le boleng. O ne a kgotlhatsa batsadi le baruta bana ba baneng ba tsene moleto go ema bana nokeng mo dithutong tsa bone le go ba letelela go nna se ba e letsang go nna sone mo botshelong. Mogolwane mo go tsa thuto mo kgaolo potlana ya SELEBO mme Lilian Matshameko o ne a tlhalosa gore ba motlotlo ka go bo kgaolo ya bone e le yone e digogang kwa pele mo go direng sentle mo go tsa thuto go gaisa dikgaolo potlana tsa legare. A re ba itlamile go bereka ka natla go ntsha maduo a a nang le boleng. Mme Matshameko o ne a tlhalosa gore maikaelelo magolo a moletlo ke go lemoga boleng ja barutabana le bana ba ba dirileng sentle,go tsosolosa serodumo le go ba fa kgotlhatso go tswelela ba ntsha maduo. Moletlo o ne o rotloeditswe ke ba Selebi Phikwe Muslim Association ka madi a a kana ka P29 500. Erile a ntsha la gagwe modula setilo wa mokgatlho Rre Najumudeen Safiullah a tlhalosa gore ke maikaelelo a bone go thusa mo ditirong tsotlhe tse di amang morafe wa toropo ya Selebi Phikwe. BOKHUTLO education 4 Tona wa dikgaolo o rarabolotse kgang Komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Letlhakeng Borwa e tlhophilwe gape morago ga gore e e neng e le teng e tsee ditshwetso dingwe kwa ntle ga kitso ya morafe le ofisi ya boipelego. Ka jalo morafe wa tsaya tshwetso ya gore go seegelwe kwa thoko maloko a yone a le marataro. E rile a amogela baeng kwa kgotleng, mothusa kgosi, Tumelo Puleng wa Letlhakeng, a supa fa ba tsile go utlwa phetolo ya ga tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slumber Tsogwane morago ga gore maloko a marataro ao a ikuele gore kgato e ba e tseetsweng ga e ka fa molaong. Mokwaledi wa khansele-potlana ya Letlhakeng, Rre Nigel Mangoye, o ne a supa fa tona a tsere tshwetso ya gore maloko ao a ntshiwe mo komiting, a supa gore maloko a a kobilweng ao, a na le sebaka sa go emela ditlhopho tsa VDC morago ga dingwaga tse tharo, a bo a kopa morafe wa Letlhakeng gore o seka wa kgaoganngwa ke kgang e. O supile fa maloko a mane a a neng a setse a tlaa tswelela a le mo maemong a one, mme go tlaa tlhophiwa maloko a le marataro a a tlatsang komiti eo. Rre Mangoye o ne a supa fa ditiro tsotlhe tsa komiti ya ditlhabololo tsa Letlhakeng South di eme ka ntlha ya gore maloko a marataro ao a ne a isitse boikuelo kwa go tona, a supa fa go ne go tshwanela gore ba emele tshwetso ya ga tona. O supile gape gore ba ba neng ba ikuetse ba ne ba se molato go dira jalo, ka ba ne ba supa maikutlo a bone, ka jalo fa ba eletsa go emela ditlhopho tsa VDC mo nakong e e tlang, ba na le tshwanelo ya go dira jalo. Morafe wa Letlhakeng o ne wa supa fa o itumelela tshwetso e tona a e tsereng, mme ba kopa gore ba boipelego ba nne gaufi le komiti e e tlaa tlhophiwang gore ba seka ba dira diphoso. Ba ne ba tswelela ka go tlhopha maloko a marataro a a tlatsang komiti eo kwa bofelong jwa phuthego gore ditiro tsa komiti di tle di tswelele. BOKHUTLO politics 7 Tsheko le Mmolai ba ikemetse ka dinao E re ka lefatshe la Botswana le agilwe ka go itirela, Batswana bangwe ba sa ntse ba tsweletse ka mowa oo. E rile fa puso e lemoga gore bontsi jwa Batswana ba eletsa go dira mme ga ba na ditsompelo, ya tla ka mananeo a a itebagantseng le go thusa ba ba eletsang go ikapola lehuma le gone go tokafatsa matshelo a bone. Lengwe la mananeo a a thusang Batswana kwa dikgaolong ke lenaneo la nyeletso lehuma. Le fa go ntse jalo, Batswana bangwe bone ba itirela fela ntle le dithuso dipe ka jaana ba rata se ba se dirang e bile ba ititeile sehuba gore ba tlaa dira ka natla go ntsha maduo mo ditirong tsa bone. Mo puisanong bosheng, monni wa Artesia, Rre Sebetso Tsheko, wa dingwaga tsedi masome a marataro le bosupa, o supile fa a sa ipone tsapa ka a santse a le majato e bile a dumela mo go itireleng ka diatla. Rre Tsheko o tlhalositse fa a tswa kgakala a suga matlalo go dira dikgole le mealo ya matlalo. “Ke godile ke bona bagolo ba suga matlalo, ka ke le motho yo o kelotlhoko, ke ne ka anywa botsipa jwa go suga ke sale monnye mme le gompieno ke ntse ke suga matlalo mme e bile ke go patagantse le go betla,” ga tlhalosa Rre Tsheko. O tsweletse ka gore go supa kgatlhego go dira gore tiro e nne motlhofo ka le go betla a go ithutetse mo go malomaagwe mme gompieno a ntse a tshwere ka thata a betla dikika, metshe, mefinyana le megopo le maso tota. Ntswa a itirela ka diatla, Rre Tsheko o tlhalositse fa theko e le kwa tlase mme a re seo ga se mo kgobe marapo ka jaana a dira ka lorato. Rre Tsheko o ne a tlhalosa fa a sa ikaege fela ka go betla le go suga matlalo ka jaana e le molemi-morui mme a bile a tlhokomela leruo la gagwe kwa masimo e le tsela e nngwe ya go itshetsa. E re dikgang di eme jalo, Mme Itumeleng Mmolai wa digwaga tse di masome a mane le bosupa ene o apaa a bo a rekisa borotho. Mme Mmolai o tlhalositse fa a simolotse kgwebo ya borotho ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Ngwanatsele, mme a ikopela dithuso ka lenaneo la nyeletso lehuma. “Ke ne ka isiwa dithutong tsa go apaya borotho lebaka la beke mme ko morago ka neelwa ditsompelo tsotlhe mme ka tswelela le kgwebo ya me,” Mmolai a tshwaela. O ne gape a tlhalosa fa a ithutile go le go ntsi nako ya fa a ile dithutong tseo ka a ne a anywa botsipa jwa go apaya marotho a mangwe le go tshegetsa bophepa fa a apeelang teng. O tshwaetse gape fa a ne a ithuta go tsamaisa kgwebo ya gagwe. Mme Mmolai o tlhalositse fa a ne a neelwa setofo sa gase le fa ntswa a ise a e neelwe mme o supile fa seo se sa emisa kgwebo ya gagwe ka jaana a ne a sale a itiretse boapeelo jwa Setswana go apaya borotho jwa gagwe. O tsweletse ka go tlhalosa fa a ne a neelwa setofo le setsidifatsi mme a re kgwetlho ya gagwe ke go tlhoka motlakase. “Dikgwetlho di nna di le teng, jaaka gompieno ke reka dikgong mo bathong ka gore ga ke dirise gase mme seo ke poelo morago ka ke dirisa madi a dipoelo a ke ka bong ke ne ke tsholetsa kgwebo ka one.” Le fa go ntse jalo, Mmolai a re o apaya mapakiwa le diphaphatha di ka nna lekgolo ka letsatsi mme a tsamaye a rekisa mo motseng. A re banni ba mo eme nokeng ka go reka borotho jwa gagwe mme e bile o rekisetsa badirelapuso kwa sekoleng le kwa kgotleng. Mme Mmolai o ne a tlatsa ka gore ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ba a tle ba mo neele tiro ya go ba apeela borotho fa ba na le mediro mme seo se mo thusa go dira dipoelo tse di botoka. O tlhalositse fa dinako tse dingwe borotho bo a tle bo sale mme a patelesege go fokotsa tlhwatlhwa, a re mme seo ga se mo kgobe marapo. economy_business_and_finance 3 Ngwao mokgabo wa setshaba Go somarela ngwao le go e ipelela go botlhokwa ka go bontsha se setshaba e leng sone. Seo se boletswe ke Kgosi Puso wa Batlokwa mo potsolotsong le BOPA bosheng, a re morafe wa Batlokwa o tlaa ipelela letsatsi le ngwao le moono wa lone e leng Ngwao Bontle jwa Setshaba re a Ipela. O ne a tlatsa ka go re moono oo o supa gore batho botlhe ba tshwanetse ba ipela ka ngwao ya bone le go nna motlotlo ka yone ka e le yone bontle jwa merafe. Kgosi Puso yo gape e leng modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi, o boletse fa ngwaga le ngwaga Batlokwa ba ipelela letsatsi la ngwao mme ngogola le sa tshwarwa ka e ne e le letsatsi la lenyalo la ga Kgosi e bile e ne e le ipelo ya kapeso ya Kgosi jaaka a sale a tlhongwa mo setilong. O tlhalositse fa monongwaga moletlo oo o tlaa tshwarwa malatsi a mabedi Phatwe a le lesome le borobabobedi go ya e le lesome le borobabongwe, mme Labotlhano e le modiro wa go kgobokanya madi ka selalelo se se tlaa tlhakanang le mmabontle go supiwa kapari ka go farologana kwa Cresta Lodge mme go tsenwa ka P300 badiragatsi ba akaretsa Culture Spears, Serurubele le ba bangwe. A re ka Matlhatso e tlaa nna letsatsi la go ipelela ngwao le le tlaa tshwarelwang kwa mabaleng a Batlokwa Trust Stadium a a itsegeng ka VDC Grounds mme bagolo ba lopiwa P100 bana bone ba tsene P50 fa ditlhopha di tlaa akaretsa Dr Vom, Culture Spears, Matlhaolosa Cultural Dance Group, Kang Choirs, dikhwaere tsa mo gae le baboki mme go nne le dijo tsa motshegare. O ne a tlatsa ka go re go tlaa nna le diphapusi tsa go supa dilo ka go farologana mme phapusi di tlaa tsamaya ka 3X3m P1 000 tsa dijo, 6X2m P2 500 corporate stalls le 3X3m craft stalls P300. O boletse fa letsatsi la ipelelo ngwao le simolotse ka Phatwe a le lesome le borobabobedi go lebilwe kapeso ya kgosi jaaka a ne a tlhongwa mo setilong ka 2007 mme ka 2008 Batlokwa ba sirolola sefikantswe mo kgotleng kgolo, mme morafe wa tsaya tshwetso go tlhopha malatsi ao go ipelela letsatsi la ngwao le moletlo wa ntlha o o nnileng ka 2009 ka Phatwe. Kgosi Puso o tlhalositse fa mo dingwageng tse di fetileng Batlokwa ba ntse ba ipelela letsatsi leo la ngwao mo kgotleng kgolo ka fa tlase ga boeteledipele jwa bogosi, a re ka 2012 go ne ga tlhangwa mokgatlho wa Batlokwa Development Trust o maikaelelo a one e leng go tsosolosa le go tsholetsa ngwao le go e somarela. O boletse fa mokgatlho oo o tlhamilwe ke kgosi kgolo mme ga tsewa tshwetso gore ke one o tlaa tsamaisang meletlo ka go farologana e akaretsa wa go ipelela ngwao e le tsela ya gore mokgatlho o nne le sebaka sa go kopa dithuso di akaretsa madi go tsamaisa letsatsi la ngwao. A re mokgatlo oo o tlamega go bona gore letsatsi leo le a gola mme o bereka gaufi thata le bogosi. O tlhalositse fa monongwaga moletlo oo o fetotswe leina go tswa kwa go Annual Batlokwa Culture Day go bidiwa Mafifatswana Cultural Festival e le tsela ya go supa kgolo. O ne a tlatsa ka go re leina leo le ne la gwetlhwa ke pina e khwaere ya kereke e neng ya opelela kgosikgolo le mohumagadi ka lenyalo e bile gape le tswa mo lebokong la Batlokwa la ‘Re Mafifatswana a go rekwa ka kgomo, mafetakgomo a je motho, magadimana ntweng a a ja ga a gadime. Ba ga Mmanaka-a-mosima! Ba ga Musi! Mmolaa-moapei moapeelwana a sale a lla, Ba ga nkwenyana, a nkwe o apereng? Nkwe; ke apere Tau!’ Kgosi Puso o boletse fa letsatsi leo le sa tshwarelwe mo kgotlengkgolo jaaka gale mme le tlaa ipelelwa kwa mabaleng go na le ditiragalo di akaretsa moopelo wa ditlhopha ka go farologana. O boletse fa ba solofetse gape Batlokwa go tswa kwa Afrika Borwa le Bogosi jwa bone go nna karolo ya letsatsi leo ka seo se supa tomagano magareng ga merafe eo. O kgothaditse botlhe go nna karolo ya letsatsi leo ka e se letsatsi la Batlokwa fela mme e le letsatsi la go ipelela ngwao. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Ba supana ka menwana mabapi le bogosi Batho ba kgotla ya Bokaa mo Mahalapye bane ba supasupana ka menwana mo phuthegong e neng e buisiwa ke Kgosi Duncan Tsoebebe Segotsi, yo a neng a tsile go ba kopa leina la motho yo a ka tlhongwang kgosana ya bone ya tetlanyo. E re ntswa bogosi jwa kgotla ya Bokaa bo lebane Rre David Rathipana yo rraagwe a tlhokafetseng ele Kgosi ya Bokaa ka 1972,bontsi jwa batho ba ba neng ba akgela mo phuthegong eo ba supile fa bale kgatlhanong le gore a neelwe setilo sa bogosi ka jaana ana le dingwaga dile masome a mane le bobedi a ntse a phuagantse bogosi jwa gagwe. Batho bao ba ba neng ba akaretsa Rre Mothupi Lentswe, Rre Matshediso Kanene,Rre Ranchi Jackson, Rre Diane Ramontsho, Mme Dimatlhong Keganne,Mme Onkarabile Letebele le Mme Margaret Samuel bare ere ntswa bana baga Rathipana ba lebanwe ke bogosi jwa Bokaa,ba tshwenngwa ke gore bane ba phuaganya bogosi jwa bone morago ga loso la motsadi wa bone e bile ba bolela fa Rre David Rathipana a hudugile mo kgotleng ya Bokaa goya go thibelela kwa kgotleng ya Parwe. Batho bao, ba ba neng ba bua ka go gogomoga maikutlo ba boleletse Kgosi Segotsi gore ele ba bogosi mo Mahalapye ba ntse ba sa tsamaise bogosi jwa Bokaa sentle ka jaana batswa goo-lowe ba tlhoma batho go nna dikgosana tsa Bokaa ntleng le go rerisana le morafe. Bangwe ba batho ba ba kileng ba tlhongwa dikgosana morago ga loso laga Rre Rathipana ka 1972, ke Rre Betsang Moseki, Rre Tumelo Tlhokwana, Rre Mompoloki Motsamai le Rre Rogers Moalosi yo a neng a tlhokafala ngogola.Bare batho ba ka go tlhomagana ga bone ba ntse ba bewa mo setilong sa bogosi jwa kgotla ya bone ntswa ele morafe ba sa rerisiwe. Ene e rile gole pele Kgosi Segotsi a tlhalosetsa banni ba kgotla eo, fa a tsile go ba kopa go mo neela leina la motho yo aka tlhongwang kgosana ya bone go kaba phatlha yaga Rre Moalosi. Kgosi Segotsi o rile ere ka kgotla ya Bokaa ena le beng ba yone ba ba lebanweng ke bogosi go mo maruding a ba lelwapa la bogosi go supa ngwana yo ka tlhatlhamang Rraagwe e bong Rathipana kana go sekaseka mongwe yo ba bonang a nonofetse go ba etelela-pele. E re ka Motswana a buile lefoko le a reng go kgoberega ga metsi ke go itsheka,batho ba Bokaa bane dumelana ka maina ale mane a batho ba ba bonang ba ka etelela kgotla ya bone e bong Rre David Rathipana, Rre Matshediso Kanene, Rre Mothupi Lentswe le Rre Kegope Owatametse. Kgosi Segotsi one a tlhomamisetsa banni ba Bokaa fa a tla fitisetsa maina a batho bao kwa kgotleng kgolo ya ga Mmangwato kwa Serowe goya go sekwasekwa ke motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato Kgosi Sediegeng Kgamane. BOKHUTLO society 9 Balatedi ba kgothaditswe go tsena mo lenyalong Balatedi ba dikereke tse di farologanyeng ba kgothaditswe go tsena mo manyalong a a ka fa molaong ka seo se ka thusa mo go fokotseng mogare wa HIV mo lefatsheng leno. Kgothatso e, e ntshitswe ke moruti wa kereke ya Tau Pedi, Moruti Nels David, mo letsatsing la segopotso sa bolwetse jwa HIV/AIDS mo kgotleng kgolo ya Tsabong bosheng. Moruti o ne a rotloetsa batsena moletlo oo go itsetsepela le go ikanya mo Modimong ka nako tsotlhe. O ne gape a gwetlha balatedi ba dikereke go nna sekao le go tsisa lesedi mo tshabeng ya Modimo. Moruti a re sengwe le sengwe se kgonagala ka thata ya Modimo, ka jalo a kopa botlhe go tshepa le go ikanya Modimo ka nako tsotlhe. Moruti David o ne a supa fa mogare le bolwetsi jwa HIV/AIDS di okediwa ke go nna le bakapelo ba bantsi, mme a kaya fa go tsena mo lenyalong le le ka fa molaong e le yone tharabololo ka mongwe le mongwe a tla kgona go lebagana fela le monna kana mosadi wa gagwe. O ne a supa fa lelwapa la motia le kagiso, e le bobedi bo tshela mmogo ba nyalane. O ne a kgala thata bonyatsi a supa fa e le jone bo gakatsang mogare wa /HIV/ AIDS. Fa rola maikaelelo a letsatsi leo, moruti wa kereke ya St Peter, moruti Filisi, o ne a supa fa e le go gopola botlhe ba ba tlhokafetseng ka ntlha ya mogare wa HIV le bolwetsi jwa AIDS ka dithapelo, le ka go rera lefoko la Modimo, e le tsela nngwe ya bontsha ba ba sa ntseng ba le botshelong lesedi. Fa a tshuba dikerese mo letsatsing leo mothusa molaodi Mme Peggy Kutlase, o ne a supa fa letsatsi leo le le botlhokwa ka e le thuto e mongwe le mongwe a ka itshekatshekang gore ene seabe sa gagwe ke eng mo go tlhomamiseng gore mogare wa HIV o a fokotsega. Molaodi Mme Kutlase o supile fa bokopano jwa letsatsi leo e le sesupo sa gore baruti ba tshwanetse go gasa molaetsa wa mogare mo diphuthegong tsa bone ka go farologana, ka seo se ka thusa thata go laola kanamo ya mogare. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Monana o ipelafatsa ka lenaneo Go lebega maiteko a puso a go tsibogela go thusa banni ba metse e e kgakala le ditlamelo a tswa tema ka jaana banni bangwe ba metse eo ba gatetse pele mo go inaakanyeng le mananeo a puso a a farologanyeng go tokafatsa matshelo a bone. Monana mongwe wa Khekhenye kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Mme Gabaeletswe Kgope o boletse fa a ne a netefatsa gore ga a salele morago mo go ikopeleng lengwe la mananeo a puso go ka itirela sengwe sa itshetso gore le ene a kgone go oba letsogo ntle le go ikaega ka batho ba bangwe. Mme Kgope o supile fa e ne ya morago ga go utlwalela fa puso e boloditse letsholo go tlhatlhosa matshelo a batho ba metse e e kgakala le ditlamelo a ikgolaganya le ba ofisi ya boipelego go ikopela lenaneo la nyeletso lehuma ka a ne a sa bereke gope. Monana yoo, wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi o ne a tlhalosa fa a ne a fiwa semausu le madi a a ka tshwarwang P5 000 go itshimololela kgwebo ya thekiso ya dijo. A re go simolola kgwebo ya gagwe ngwaga o o fetileng e ne ya nna tshimologo ya botshelo jwa gagwe jo bo botoka. A re se se mo itumedisang ka kgwebo ya gagwe ke gore e bogadi bo gaufi, a kaya fa e dira sentle fela thata ka jaana go sena madirelo a dijo a mantsi mo motseng wa Khekhenye mme ka jalo go sena phadisanyo e e masetla. A re o lemogile fa go rekisa dijo di tshwana le mashi le sukiri go ka mmerekela ka di tlhokwa thata ke bareki. A re ka a kgona go bona dipoelo tse di botoka o boloka madi mangwe kwa posong kgwedi le kgwedi,ebile o ikaeletse gore mo isagong a ye go tsaya bontlha bongwe jwa madi a forome ditema mme a kgone go ikagela ntlo e e leng ya gagwe. Mme Kgope a re ntswa a santse a lebanwe ke kgwetlho ya go tlhoka sepalamo go ya go reka dijo kwa Molepolole,seo ga se mo kgobe marapo ka jaana a dira kgwebo e ka maikemisetso a go batla go tokafatsa botshelo jwa gagwe le ba lelwapa la gagwe. O rotloeditse banni ba metse e e kgakala le ditlamelo go nwa moro mananeo a puso le thuso epe fela e e tswang mo dikomponeng ka go somarela se ba se abetsweng gore ba tokafatse matshelo a bone le gone go itlhotlhora lehuma,a kaya puso e tshwere phage ka mangana go leka go tokafatsa matshelo a Batswana. O ne a gakolola botlhe ba ba setseng ba abetswe dithuso tsa puso go tlhaloganya fa go sena sepe se se leng bonolo mo botshelong,mme ba tswelele ka go supa makarabelo le go loga maano a go tokafatsa dikgwebo tsa bone gore di gole. economy_business_and_finance 3 Tsogwane o akgola sekole sa Toromoja Tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slumber Tsogwane,o a kgoletse barutabana ba sekole se se botlana sa Toromoja maduo a mantle a ba tswetseng kaone dingwaga ka go latelelana. Tona o ntshitse kakgolo e fa a ne a abela sekolo seo sebalamakgolo le motshine oo ntsifatsang dipampiri ka Labotlhano. O ne a ba kgothatsa go tswelela ba dira ka nata lentswa ba na le dikgwetlo tsa tlhaelo ya ditlamelo. Tona a re ba gwetlilwe ke maduo a mantle a sekole sa Toromoja ka jalo ba bona go tshwanetse go ba ba abele mpho e gore batle ba kgona go di sentle basa kgoreletso ke letlhoko la didirisi tsa gona jalo.A re k Tautona o buile gore o batla go tlhabolola thuto ka go e abela seabe se se segolwane mo kabong ya madi. A re maikaelelo a puso ke gore boramaranyane,dingaka ,letse ditebagantseng le malwetse (specialist)di tswe mo lefatsheng leno,a tlatsa ka gore di ka tswafela fa thuto e na le motheo. Tona o supile fa puso e lemoga letlhoko la bone la matlo a borutelo ,matlwana a boitiketso ga mmogo le boroko ja barutabana,a re go tlana go lekwa go tsiswa ditlhabololo ka bonya ka bonya go lebilwe seemo sa madi . O bile a re ga segore maduo a mantle a sekolo sa bone ga ba a lemoge ,a ba rotloetsa go tswelela ka maitlamo a bone ,a akgolela mogokgo le mothusi wa gagwe tiro e ntle e ba dirang ya tisana sentle le barutabana e a reng e supiwa ke maduo. E rile a mogela baeng mogokgo ya sekole sa Toromoja Mme Neo Serapo a supa fa ele boitumelo jo bogolo go bona Tona a ba e tetse mo godimo g among a ba tiseditse mpho sebalamakgolo le mochine o o o ntsifatsang dipampiri, e e botlhokwa fela thata mo tirong ya bone. Mme Serapo o boletse fa sekole sa bone ele se senye , sena le barutabana bale lesome le bobedi ,bana bale makgolo a mabedi le masome a mabedi le botlhano le bana ba dingwaga tse di ko tlase bale masome a mabedi le bosupa. A re ba dikile ba tsere maemo a borataro ka 73.3% mo kgaolong ya boteti ,a supa f aka 2012 bne ba tse maduo a ntlha ,mme puso y aba fa madi akana ka P20.000, yo a reng ba modirisitse go reka didirisiwa tsa maranyane (LAB),le tsa tshingwaga. Ene ya re a leboga mothusa mogokgo ya sekole sa Toromoja Mme Gamu Makobo ,a supa fa se ele tshimologo ya ditlhabologo ,a tlatsa ka gore bantse ba dira ka nata go ntsha maduo ba salebelela gore ba na le letlhoko la ditlamelo. Mme Makobo a re ba tsweletse ka go ntsha maduo ka lebaka la go bereka ka thata ba tshwaranye ele ba rutabana ga mmogo le batsadi,a tlhalosa fa nako tse dingwe ba bereka ka mafeloabeke. Ene e rile go le pele tona a etela sekolo se se botlana sa Seaseole kwa Letlhakane go lekola seemo se seneng se kuetse sa bo mamantwane ,one gape a lekola sa Mmanthabakwe ko Mopipi ,go bona ditlhabololo tse di tseletseng tsa go baakangwa ga sekole seo seneng sele mo seemong se se maswe . health 6 Mapodisi a tlhotlhomisa leso Mapodisi a Takatokwane a tlhotlhomisa leso la rre wa dingwaga tse di masome mararo le bobedi wa Tshwaane yo o fitlhetsweng a tlhokafaletse mo mosimeng wa thakadu mo sekgweng sekgalanyana go tswa mo Tshwaane. Mogolwane wa mapodisi a Takatokwane,Superintendent Ocean Maraganyane o boletse mo potsolotsong fa rre yoo a ne a emelela go ya go batla pitse,mme o tlhalositse fa ba belaela fa rre yoo a ne a tsoma mo tseleng mme a alola phologotswana e e bidiwang motlose e e neng ya tsena mo mosimeng wa thakadu mme le ene a tsena mo teng ga mosima ka maikaelelo a go leka go ntsha phologotswana eo. O tlhalosa fa ba belaela fa rre yoo a ne a palelwa ke go tswa mo teng ga mosima mme a hupela ka a ne a palelwa ke go iphalotsa mme a tlhokafalela mo teng. O supile fa ba begetswe tiragalo eo ke bafeti ka tsela mme ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse. E ntse ele kwa Takatokwane, mapodisi a tlhotlhomisa kgang e mo go yone mme wa dingwaga tse di masome a robang bobedi a neng a tlhokafala kwa masimong a Khane sekgalanyana go tswa motseng wa Dutlwe morago ga kotsi ya tlhobolo. A re tiragalo eo e diragatse morago ga gore mme yoo a thuntshiwe ke tlhobolo mme a tlhokafale. A re mme yoo o ne a na le monnamogolo wa dingwaga tse di masome a robang bobedi le bosupa ka nako ya tiragalo,mme ditlhotlhomiso di tsweletse go bona gore ke eng se se bakileng kotsi eo. O supile fa kotsi ya tlhobolo e le ya bobedi e diragala mo kgaolong ya gagwe, ka jalo a gwetlha beng ba ditlhobolo go di tshwara ka manontlhotlho le kelotlhoko. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Mapodise a tlhotlhomisa kotsi kwa Makuta Kgosi Boyce Mookotsane wa kgaolo ya Ntloolengwae kwa Molepolole a re gaa jesiwe di welang ke botlhokatsebe jwa banana. O boleletse A re ba lemogile fa botlhokatsebe gantsi bo diragala kwa dikolong, selo se a kaileng fa se kgoreletsa dithuto. O tlhalositse fa bosheng a ne a bilediwa kwa sekolong se segolwane sa Motswasele kwa moithuti mongwe a neng a fitlhelwa a tshwere thipa. O kaile fa a setse a kgwathisitse bangwe ba bontsi jwa bone e leng baithuti, a tlatsa ka gore motsadi mongwe o ikuetse kwa go ene ka botlhoka tsebe jwa ngwana wa gagwe, yo a tlhalositseng fa a ne a itswalela mo ntlong morago ga gore motsadi wa gagwe a re oa mo kgalemela. Kgosi Mookotsane o boletse fa motsadi wa ngwana yoo wa mosimane yo dirang mophato wa ntlha a tlhalosa fa tiragalo eo e diragetse morago ga gore a fitlhele ngwana wa gagwe ka dithoto tsa madi a mantsi tse a sa itseng kwa di tswang teng. A re ngwana yoo, o ne a dirisa mafoko a matshosetsi mo go mmaagwe, yoo o feletseng a kua mokgosi. A re tiragalo ya go tshwana le eo ga se lantlha e diragala mo kgaolong, mme a supa fa bontsi jwa batsadi ba ikuela thata mo diphuthegong tsa kgotla ka botlhokatsebe jwa bana ba bone. Kgosi Mookotsane a re le ntswa a emisitse go neela batho diteseletso tsa go dira maitiso a bosigo jotlhe mo malwapeng, ba tsweletse ka go a dira ka boferefere mme seo se bake dintwa le dipolaano. O bile a re borukutlhi le boferefere mo kgaolong ya gagwe di santse di tshwenya thata. O kgothaditse batsadi go emela bana ba bone ka dinao, a tlhalosa fa borukutlhi bo senya sebopego le go diga seriti tsa lefatshe leno. A re bana ba tshwanetse ba kgothadiwa go tsena kereke, a tlatsa ka gore lefoko la Modimo le botlhokwa thata mo botshelong jwa motho. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Baithuti ba rotloetsa bophepa E re ka bophepa le botsogo jo bo itekanetseng e le di ya thoteng mo botsogong, bana ba sekole sa Boitekanelo ba ba neng ba le mo ithutuntshong ya tiro mo sepateleng se sebotlana sa Tsabong ba agetse sepatele seo mabeelo a matlakala ele tsela nngwe ya go rotloetsa bophepa le botsogo mo sepateleng seo. Fa a bua mo letsatsing leo, moithuti wa sekolo se segolwane sa Boitekanelo, Mme Tshepang Gaoforwe o ne a tlhalosa fa e ne ya re ba le mo ditshekatshekong ene le baithuti ka ene ba le babedi e leng Mme Ofentse Moilwa le Rre Bonang Matoto ba lemoga fa tikologo ya sepatele e le leswe bogolo jang ka ba ne ba latlhela matlakala aa farologanyeng ebile a le borai mo tankeng e le nngwe. Mme Gaoforwe o supile fa ba ne ba tswa ka mogopolo wa go aga ntlwana ya matlakala ba tswaraganye le ba tlhokomelo tikologo ba (DHMT) mo sepateleng seo ba ba neng ba dumalana le bone go ba thusa ka dilwana tsa kago tse di lopileng madi a a kanang ka P8 000. O kaile fa ba ne ba ikopanya le go kopa thuso mo go ba DBES go ba neela setshwantsho sa ka fa ba eletsang gore ntlwana eo e lebege ka teng. Ba komiti ya botsogo mo lephateng la DBES bone ba ne ba ba thusa ka go aga ntlwana eo ee neng e dirilwe ka botswerere jo bo kwa godimo fela thata. Mme Gaoforwe o ne a kaya fa maikaelelo a bone e le baithuti ba Boitekanelo e le gore gongwe le gongwe fa ba direlang teng mo lefatsheng leno ba tlogele motlhala wa bone ka se ba se dirileng. Fa a ntsha la gagwe Rre Matshidiso Matshuba, modulasetilo wa komiti ya botsogo mo tirong go tswa mo lephateng la dikago la DBES mo Tsabong o ne a tlhalosa fa ba ne ba tsaya sebaka se se khutswane go aga ntlwana e e latlhelang matlakala go thusa baithuti ba ka botlhe moono wa bone e le go rotloetsa bophepa mo tirong. Go le pele fa a amogela baeng mo tirong eo, Dr Kipoy Mangangi o ne a galaletsa baithuti ba boitekanelo ka go nna le seabe mo go tliseng pharologanyo mo lephateng la botsogo. A tlatsa ka go lebogela botlhe ba ba nnileng le seabe gore tiro eo e atlege. Mo mafokong a gagwe a tebogo mookamedi wa baoki go tswa mo sepateleng sa Tsabong Mme Kefilwe Rowland Disele o ne a supa tiro e e dirilweng ke baithuti bao e ka seke e lebalesege bogolo jang ka le bone e le bogogi jwa sepatele ba ne ba setse ba na le dikakanyo tsa go aga ntlwana eo ka ba ne ba lemoga fa tanka ya matlakala e e teng e sa lekana. Mme Rowland Disele o ne a galaletsa baithuti ba bararo bao ka tiro e ntle e ba e dirileng a kaya fa tikologo e e mo sepateleng e tla lebega e le phepa ka nako tsotlhe ka ba ne ba tshwenngwa ke loruo lo lo gobeyang le go falatsa matlakala le gore ba tla e tlhokomela ka go tswala mabati a teng ka nako tsotlhe. O ne a tlatsa ka go supa fa mpho ee abilweng ke baithuti bao, e ka seke e lebalesege ebile mpho e, e tla sala e le segopotso mo badiring ba kokelo eo, a ba a ba eleletsa masego le matlhogonolo mo tirong ya bone le gone gore ba tswelele ka go tshegetsa le go tshela ka mowa wa go tlisa pharologanyo mo go tlhabololeng le go tsenya letsogo mo ditirong tsa puso le setshaba ka kakaretso. education 4 Lerala o atla Ya Tsie Banni ba Lerala ba re ba itumelela go bo motse wa bone o nnile mengwe ya metse e mokgatlho wa Ya Tsie o dirang dipatlisiso tsa kanamo ya mogare wa HIV mo go one. Ba re Ya Tsie e butse banni ba le bantsi ditlhaloganyo tsa go bona gore go itse seemo sa motho nako e sale teng go ka boloka le gore go nna le mogare ga se bokhutlo jwa botshelo. Ba buile jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke maloko a Ya Tsie kwa Lerala bosheng. Maikaelelo a phuthego eo e ne e le go arogana le banni tse Ya Tsie e setseng e di fitlheletse mo dipatlisisong tse ba di dirang. Mongwe wa banni, Mme Pateletso Sebi, Ya Tsie e tlaa thusa ba le bantsi ba ba neng ba le mo malwapeng ba na le letshogo la go ya kwa mafelong a itlhatlhobo gore ba itse seemo sa bone. A re bangwe ba ne ba itlhatlhoba mme ba fiwa diritibatsi fa bangwe ba ne ba itemoga e le lantlha mo botshelong jwa bone ba dira ditlhatlhobo gore ga ba na mogare mme seo se thusitse botlhe ba ba nang le mogare le ba ba senang mogare go bona gore ba ka tswelela ba tshela jang. Le fa go ntse jalo, Mme Rosina Morake o ne a gakolola Ya Tsie go akanyetsa ba ba kwa dipolaseng tse di bapileng le Lerala gore le bone ba tsenelele mananeo a HIV/AIDS. A re go le gantsi ba a lebalwa mme seo se sa siama ka e le bontlha bongwe jwa metse ya bone. Mogolwane go tswa kwa Ya Tsie, Dr Mompati Mmalane o ne a lebogela tirisano mmogo ya banni le badiri ba Ya Tsie a bolela fa tiro ya bone e nna motlhofo. A re mo dingwageng tsa dipatlisiso tsa bone ba tlaa tswelela ba etela ba ba neng ba itlhatlhoba go lekola botsogo jwa bone. A re o na le tsholofelo ya gore e tlaa re ba tsweletse le ditlhotlhomiso tsa bone ba ba neng ba na le poifo ya go itlhatlhoba ba tlaa fetola mogopolo. O tlhalositse fa lenaneo la Ya Tsie le tsisa ditlamelo kwa malwapeng a banni ka jalo ga go na yo o tlaa patelediwang go itlhatlhobela mogare mme go tlaa tlhatlhobiwa ka ditumalano. O tsweletse a re ba ba fitlhelwang ba na le mogare ba fiwa ditlamelo tse ba tshwanetseng go di akola di tshwana le go tsaya diritibatsi nako e santse e le teng, go thibela kanamo ya mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa leseeng le gone go rupa ga borre. ENDS health 6 OLDM e rutuntsha bana ka ditiro tsa meepo Babereki ba moepo wa Orapa Letlhakane le Damtshaa ba lekalana la tsa ipabalelo, ba abetse bana bangwe ba dikole tse dipotlana tsa Kedia le Xere ditlhako le dikausu di le makgolo a mane ga mmogo le go ba ruta ka ditiro tsa meepo. E rile fa a tlhalosa maikaelelo a bone, mogokaganyi mo go tsa tikologo, Rre Goitseone Mathape, a bolela gore ba dira se go diragatsa matshego a khamphani ya Debswana a Show You Care, Shape the Future and Pull Together. Rre Mathape a re ba dira se go tsenya letsogo mo go thuseng setshaba se ba direlang mo go sone ba dira jalo ba ntsha mo dipateng tsa bone. A re maikaelelo ke gore ba thuse bana ba dikole ka go tokafatsa seemo sa bone sa botshelo go ba betlela bokamoso jo bo botoka. A re ba dira se gape e le go rotloetsa bana gore ka moso e bo e le bone ba tshwereng ditiro tse di mo meepong le bone ba thusa ba bangwe. E rile a ba amogela, mogokgo wa sekole se sebotlana sa Kedia Mme Ontaletse Tape, a lebogela dimpho a supa fa di tlaa dira pharologanyo e tona mo matshelong a bana. Le fa go ntse jalo, Mme Tape o ne a re ngwana yo o sa leleng o swela tharing, a bua jalo a supa gore motse wa bone ke o o kgakala le ditlamelo ka jalo ba na le matlhoko a mantsi a a akaretsang tsela, motlakase tlhaelo ya boroko, ofisi ya barutabana e nnnye, fenechara, mochine o o ntsifatsang dipampiri, didirisiwa tsa maranyane le didirisiwa tse dingwe tsa thuto. Mme Tape o ne a ba kopa gore ba ise selelo sa bone kwa bogoging jwa khamphani gore gongwe ba ka ba sekegela tsebe letlhoko la bone. A re seemo se se kgoreletsa tiro ya bone e bile go kgoba barutabana marapo. A tswelela ka go kopa gore khamphani ya Debswana kana lekalana lengwe fela, ba ikabele sekole sa bone. Babereki ba ne ba ruta bana ka ditiro tsa meepo ka go farologana ga tsone le gore motho o ka kgona go fitlhelela ditiro tseo fela fa a fentse thata dithuto tsa dipalo sekgoa le maranyane. Mme Onkutlwele Motlogelwa wa maranyane a moepo, o ne a rotloetsa bana go sala morago ditoro tsa bone a re ba dire ka natla go di fitlhelela, a kgothatsa batsadi go ema bana nokeng. Mokhanselara wa kgaolo ya Kedia/Mokobaxane, Rre Orapeleng Dikgang o ne a leboga babereki ba OLDM ga mmogo le khamphani ya Debswana go bo ba tsweletse ka go thusa setshaba le dikole tsa kgaolo e ba direlang mo go yone. Rre Dikgang o ne a akgola ba lekalana la itshireletso go bo ba dirile tiro e ya bopelotlhomogi le lorato a re se, se supa fa ba kgathala. O ne a rotloetsa bana le batsadi go tlhokomela dimpho tse gore di tle di nne le bokao mo matshelong a bone,a bo a rotloetsa bana go ithuta thata gore batle ba nne le bokamoso jo bo lolameng. education 4 Baithuti ba booki ba abela kgotlana ya Bombadi Baithuti ba ithutelo booki kwa sekoleng sa Francistown ba akgoletswe go agela kgotlana ya Bombadi kwa Maun lefelo le le bolokelang matlakala. Baithuti bao, ba barataro ka palo, ba dirile tiro eo ka jaana ba ne ba ile ithuthuntshong ya kgwedi tse tharo kwa dikokelwaneng tsa Maun mme ba bona go tshwanela go direla banni sengwe pele ba boela morago. Fa a rola lefelo leo semmuso, mogolwane wa baoki kwa kokelwaneng ya Maun General, Mme Golebaone Makolo, a re go a itumedisa go bona baithuti ba supa mowa wa lerato le go kgathala ka botsogo jwa setshaba. A re kgaolo ya Maun ke ya bojanala mme go maleba gore tikologo e somarelwe ka nako tsotlhe go oka bajanala ka dipalo tse di nametseng. Mme Makolo a re ba ne ba tswa ka mogopolo wa go a ga ntlwana eo ba lebeletse seemo sa gore ga gona fa matlakala a phuthelwang teng, a tlatsa ka gore le tsone dikoloi tse di olelang malele di kgona go senyega ka dinako tse dingwe. A re lefelo leo le tlaa thusa banni gore ba nne ba kgobokanyetsa matlakala golo go le gongwe. Mooki yo o mongwe, Mme Reitumetse Mokgaotsane o ne a tlhalosa fa baithuti bao ba ne ba tsile go ithuta ka fa banni mo kgaolong ba tshelang ka teng. A re mo ditshekatshekong tsa bone go ne ga supega fa go na le letlhoko la lefelo le matlakala a ka bewang teng. O lebogile banni ba kgotlana eo ka fa ba amogetseng baithuti ka teng a re ba ne ba dirisanya le bone sentle. Mongwe wa baithuti, Rre Mothusi Lebengwa o kopile banni ba kgotlana eo go tlhokomela ntlwana eo. A re ba ne ba dumalana go aga lefelo leo ba lebeletse gore ka nako tse dingwe koloi e e olelang matlakala e kgona go nna le bothata a tlatsa ka gore ba ne gape fa be lemogile gore matlakala a bewa kwa tseleng go letela koloi. Mongwe wa barutabana ba baithuti ba, Rre Tumisang Mokute o ne a lebogela thata tomagano ya baithuti bao le banni a re go a itshupa gore ba alosa baithuti batlhwatlhwa. A re ke selo se se molemo thata gore baithuti ba tlogele motlhala fa ba ntseng ba direla teng gore banni ba ba gopole. A re o lebogile gape gore baithuti bao ga baaka ba diiwa ke monate, mme ba ne ba tsepame mo tirong ya bone. Fa a amogela mpho eo, Kgosi Moaloso Bendu wa kgotla Bombadi o ne a leboga baithuti bao a re ba dirile pharologanyo e kgolo mo kgaolong ya bone. O ba rotloeditse go tswelela ka boitshwaro jo bontle joo le kwa ba tlaa yang go direla teng fa ba fetsa sekole. A re lefelo leo le tsile ka nako ka jaana ba ntseng ba tshwenyega ka leruo le le gasagasang matlakala. BOKHUTLO education 4 Basekisiwa ga ba ipone molato Borre ba le bararo ba boleletse lekgotla la ga mmakasetarata kwa Jwaneng gore ga ba ipone molato o ba o lebisitsweng wa bogodu jwa leruo. Ontlametse Kelailwe wa dingwaga tse di masome a matlhano le bone, Keabetswe Morongwana wa dingwaga tse di masome mabedi le bosupa ba kgotla ya Molongwa kwa Khakhea le Onalenna Ditlhare wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano wa kgotla ya Ngologa kwa Werda ba lebisitswe molato o le mongwe wa bogodu jwa leruo. Go tlhalositswe fa erile kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi a le mane ka ngwaga wa 2015 basekisiwa ba dirisanya go utswela Rre Gerharous Meyer dikgomo di le lesome le bone tse di ka lopang P43 000 kwa polaseng ya Raiders kwa kgaolong ya Borwa. Mmueledi wa basekisiwa, Rre Sylvester Mokwaise, o ne a kopa lekgotla gore basekisiwa ba letele tsheko kwa ntle ga kgolegelo, a tlhalosa fa ba tlaa sala morago ditsetlana tsotlhe tse di tlaa bewang ke lekgotla. O ne gape a kopa gore go bewe malatsi a a gaufi a tsheko ka jaana kgang eo e le ya bogologolo. Ba bosekise ba supile fa ba tlaa bitsa basupi ba le batlhano mo kgannyeng eo. Mmakaseterata, Rre Odirile Mokgatle, o ne a tlhalosa fa tsheko e tlaa tsena kgwedi ya Lwetse e le lesome le borataro le lesome le bosupa, mme a laela basekisiwa go tla go itshupa fa pele ga lekgotla kgwedi ya Phatwe e tlhola malatsi a le masome mabedi le borataro go rurifatsa malatsi a tsheko. crime_law_and_justice 1 Papatso ya sehutshane e ka godisa mhama Barui ba dihutshane ba rotloeditswe go ema ka dinao ba bapatsa nama ya dihutshane gore e kgone go nna le mmaraka le go thusa go godisa mhama wa thuo le itsholelo. Mogakolodi wa matlhabelo a BMC a itebagantse le tsa boranyane, Dr Charles Olupot o buile jaana kwa moletlong wa nama ya dihutshane o o neng o rulagantswe ke mokgatlho wa barui ba dihutshane wa Maboelela Smallstock Association kwa Mahalapye. Rre Olupot o supile gore dipalo tsa dipodi di fokotsega thata, ka jalo a re seemo seo, se tlhoka go tsibogelwa pele ga se tswa mo taolong. A re le fa kgaolo ya legare e le yone e nang le palo e ntsi ya dipodi, go lebega e tlaa re mo dingwageng tse di lesome tse di latelang di bo di gomagometswa ke go nyelela. O supile gore mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng, dipalo tsa dipodi di wetse tlase go tswa kwa go 1.5 million go nna 1.2 million ka ngwaga wa 2015, fa palo ya dinku e godile go tswa kwa go 224 000 ka 2004 go nna 265 000 2015. O gakolotse barui ba dihutshane go tsibogela seemo se. Dr Olupot a re barui ba dihutshane ba lemoge gore nama ya dihutshane e na le boleng. A re sengwe se se dirang gore e nne boutsana mo mmarakeng ke gore e rekwa boturu. Dr Olupot a re le fa puso e dirile mananeo a a ka thusang go oketsa dipalo tsa dihutshane, go a tshwenya go bona dipalo tsa tsone di wela tlase. A re seemo se, se supa fa go na le dikgwetlho tse di kgoreletsang mhama wa thuo ya dihutshane. O rotloeditse barui go batlisisa tse di ka thusang go nyeletsa dikgwetlho tseo. O akgotse makalanaa a simolodisitsweng ke puso a go rotloetsa thuo ya dihutshane jaaka la Lobu kwa Kgalagadi. Dr Olupot a re tlhabololo ya mofuta o e tsile ka nako e e maleba, ka jalo e tlaa thusa go rotloetsa le go tlhabolola thuo ya dihutshane. E rile a supa maikaelelo a moletlo, Rre David Headman a re mokgatlho wa barui ba dihutshane wa Maboelela o batla go godisa serodumo le boleng jwa nama ya podi le nku. Rre Headman a re barui ba dihutshane ba tshwanetse ba nna le seabe se se nonofileng mo go godiseng le go tswakanya itsholelo fela jaaka mhama wa thuo ya kgomo. “Re eletsa go bona nama ya podi e rekisiwa kwa mafatsheng a sele, ga tlhalosa Rre Headman. A re ke nako ya gore dihutshane di thuse mo go godiseng temo-thuo gore e kgone go tlhama ditiro. Rre Headman a re barui ba dihutshane ba tshwenngwa ke dikgwetlho di akaretsa bogodu, malwetse le dibatana. Fa a amogela barui, Kgosi Duncan Segotsi o tlhalositse gore ‘letsema le thata ka mong’. Kgosi Segotsi a re o tshwenngwa ke ba ba itlwaeditseng go direlwa, ba sa dire maiteko a go fetola matshelo a bone ka go inaakanya le mananeo a a tshwanang le thuo ya dihutshane. economy_business_and_finance 3 Rekegelang itsholelo - Rakhudu Batswana ba kopilwe go emisa go gopela itsholelo ka tshenyetso setshaba. Mafoko a a builwe ke mothusa tona wa papadi le madirelo, Rre Keletso Rakhudu jaaka a ne a simolodisa mokgatlho wa thwantsho tshenyetso setshaba kwa Mahalapye semmuso mo bosheng. Rre Rakhudu a re tshenyetso setshaba e ile magoletsa, bogolo jang ka e dirwa ka botsipa jo bo kwa godimo. O ne a kopa Batswana ka kakaretso go rekegela lefatshe la bone gore le nne lefatshe la thitibalo. O ne a bua a sa kgale mathe ganong ka puo e e tlwaelesegileng ya ‘go ja sengwenyana’, e a supang fa e le bosula thata ka itsholelo e gopelwa ka go batla go tlhapisiwa diatla. Rre Rakhudu o ne a kopa Batswana gore ba ikgakologelwe, ba dibele itsholelo ya lefatshe leno. O ne a kopa batsadi go bana ba bone tlhoko, a gateletse mo go simololeng bogotswana ba sa le babotlana. Moletlo wa go simolodisa mokgatlho wa go lwantsha tshinyetso o ne o tseneletswe ke mookamedi wa lekalana la twantsho tshenyetso setshaba, Mme Rose Seretse, mopalamente wa kgaolo eo Rre Bernard Bolele, makhanselara, bodiredi jwa puso go balelwa le ba Botswana Railways, dikgosi, le morafe wa motse wa Mahalapye ka kakaretso. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Ba kopilwe go nna podi matseba Setshaba se gakolotswe go ikelatlhoko le go itlhokomela thata mo dilalomeng. E rile a bua mo potsolotsong morago ga go thubiwa ga matlo go bo go utswiwa dilwana kwa Masunga bosheng, motshwarelela mookamela mapodisi a Masunga, Assistant Superintendent Thuso Basuti a bolela fa setshaba se tshwanetse sa itse fa ditiragalo tsa borukutlhi di na le go oketsega mo pakeng ya ngwaga o fela, ka jalo a tlhagisa batho go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go leka go itlhokomela le gone go itepatepanya le seemo se. A re thulaganyo e tshwana le ya ntebele ke go lebele, ke nngwe ya tse setshaba se tshwanetseng go di dirisa ka e thusa thata gore batho ba kgone go itse ka se se diragalang mo malwapeng a a mabapi le bone, a tlatsa gape ka go rotloetsa batho ba ba mabapi go nna ba tswa mongwe ka bone thuso fa a tlhasetswe. O tsweletse a kopa batho bogolo jang bomme gore ba seka ba nna ba le nosi mo malwapeng. Assistant Superintendent Basuti a re mo nngweng ya ditiragalo tseo, banna bangwe ba le babedi ba ne ba thuba ba bo ba tlhasela motho le kgaitsadie mme ba ba amoga laptop, cellphone tse pedi le diaparo, tse tsotlhe di ka lopang P10 000. Mo tiragalong ya bobedi, mme mongwe le ene o tlhasetswe ke banna ba le babedi mme ba mo amoga cellphone tse pedi tsa tlhwatlhwa ya P800. Mookamela mapodisi a re batswa setlhabelo mo ditiragalong tseo, ba ne ba bona dikgobalo tse di potlana mme ba alafiwa kwa kokelong ya Masunga ba bo ba gololwa gone foo, a re mme ba tlhalositse fa banna bao ba ne ba bua Setswana se se tlhapileng. Assistant Superintendent Basuti o tlhalositse fa go ise go tshwarwe ope mabapi le ditiragalo tseo, ka jalo a kopa setshaba go ba thusa go tshwara banna bao kgotsa go ba loma tsebe ka mongwe fela yo ba ka tswang ba mmelaela. E ntse e le mo tiragalong ya go tshwana le tseo, Rre Richard Selala yo le ene ntlo ya gagwe e batlileng go thujwa, o boletse fa a ne a utlwa mokgwasa ka nako ya bongwe mme ya re a okemela a bona monna a leka go senya tshipi e e thibelang magodu ya lebati la ntlo ya gagwe. Rre Selala, yo o direlang mo khanseleng ya Bokone Botlhaba a re e re ka jaana a ne a emetse monna yoo sentle go mo rutela ba le bantsi, maiteko a gagwe a go kgona go tsena mo ntlong a ne folotsa, mme a begela mapodisi ka tiragalo eo le fa ntswa ba fitlhetse selalome se setse se tsene ka lenga la seloko. crime_law_and_justice 1 Go tlhoka lefelo go kgoreletsa dikgwebo Mogolwane mo lephateng la banana, metshameko le ngwao mo Bobonong Mme Keneilwe Mmusi a re banana ba bagwebi ba lebaganwe ke dikgwetlho mo dikgwebong tsa bone kwa kgaolong ya Bobonong le Mmadinare. Fa a lekodisa khansele-potlana ya Bobirwa ka lenaneo le le tsweletseng la go tsaya dipalo tsa dikgwebo tsa banana le gore a di dira sentle, Mme Mmusi a re dingwe tsa dikgwetlho tse di phutlhamisang dikgwebo tsa banana ke go tlhoka lefelo le go direlwang teng gammogo le go lopa ditlhwatlhwa tse di kwa godimo ke beng ba madirelo. A re ditlhwatlhwa tse di kwa godimo ke tsone di phutlhamisang dikgwebo tsa bana mme a rotloetsa batsadi go nna le thotloetso mo maitekong a banana. O supile fa se sengwe se se digang dikgwebo e le go tlhoka kitso le nonofo ya go tsamaisa kgwebo le banana bangwe ba ba phuaganyang dikgwebo mme ba ye ditoropong go batla ditiro. A re go a tshwenya ka gore banana bangwe ba ba thusitsweng ka lenaneo go dira dikgwebo ba sa duele sekoloto mme se se kgoreletsa bana ba bangwe go bona thuso ya dikadimo. O tlhalositse fa bolwetse jwa tlhako le molomo le jone e le sekgoreletsi segolo ka leruo le le amegang le sa tswele kwa ntle ga kgaolo. Le fa go ntse jalo a re ofisi ya bone e thusitse banana ba le 220 ba le 129 ba tswa mo kgaolong ya botlhophi ya Bobonong fa ba le 99 e le ba Mmadinare. Fa a tswa la gagwe, mokhanselara yo o itlhophetsweng Rre Thatayaone Segona o supile matshwenyego gore batsadi kgotsa bagolo ga ba eme dikgwebo tsa banana nokeng, e bile ba bangwe ba tsietsa banana ka go lopa ditlhwatlhwa tse di kwa godimo. Rre Segona a re lenaneo le la banana le ka atlega fa bagolo ba ka le ema nokeng le go tsaya ngwana mongwe le mongwe jaaka wa gagwe. A re go a tshwenya go bo dikgwebo tsa banana di tlhoka fa di direlang teng mme se se dirwa ke gore dikgwebo tsa bana ga di bone lefatshe a re kgang e tshwanelwa ke go kopanelwa le ba kabo ditsha. Mokhanselara Segona a re go tshwanetse ga beelwa fa thoko lefatshe le le tsentsweng ditlamelo di tshwana le metsi le motlakase kwa banana ba ka simololelang dikgwebo teng. Mokhanselara wa Mmadinare borwa Rre Moses Seeletso e ne o ne a re dingwe tsa dikgwebo di a phutlhama ka banana ba sena kgatlhego fa ba bangwe ba fela pelo fa ba kopa thuso. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Bomme ba gakololwa go tsibogela lenaneo Mogokaganyi wa ditirelo tsa lenaneo la thibelo mogare wa HIV/AIDS go tswa mo go mmangwana go ya leseeng (PMTCT) mo kgaolong ya Kweneng Bophirima, Mme Karuhaka Ngotothirite, a re go a tshwenya gore e re mo nakong eno go bo go santse go na le masea a a tsholwang a na le mogare wa HIV, le mororo mananeo a puso jaaka PMTCT a le teng. Mme Ngotothirite o tlhalositse mo puisanong gore le ntswa lenaneo le, le itshupile le na le maduo fela a a molemo, go santse go na le masea a a santseng a tsholwa a na le mogare, ka ntlha ya gore baimana bangwe ba itlhokomolosa go le tsenelela, le ntswa ba itse seemo sa bone sa mogare wa HIV. A re dipalo di supa fa mo kgaolong ya Kweneng Bophirima go simolola ka kgwedi ya Firikgong go fitlha kgwedi ya Moranang monongwaga, go feta bobedi mo lekgolong ya masea a a tshotswe a na le mogare wa HIV, ka ntlha ya gore bommaabone ba nnile maoto a tshupa go tsenelela lenaneo la PMTCT. Mme Ngotothitire o kaile fa go itlhokomolosa mananeo a tshwana le le, mo go dirwang ke bomme bangwe e le go phutlhamisa maiteko a puso a go lwantsha bolwetse jwa HIV/AIDS, ka jalo a ba gakolola go tsaya dikgato tse di maleba mabapi le botsogo jwa bone gammogo le jwa bana. A re go a tshwenya gore e re puso e tshwere phage ka mangana go leka go babalela matshelo a Batswana ka mananeo a botsogo a a fiwang setshaba ntle le tuelo epe , bangwe bone ba bo ba sa kgone go inaakanya le one ntswa ba tlamega go dira jalo. Le fa go ntse jalo, Mme Ngotothirite o tlhalositse fa lenaneo le le supa maduo a mantle fela thata mo go botlhe ba ba neng ba le tsibogela,a kaya fa bomme ba ba neng ba le tseneletse mo kgaolong ya Kweneng Bophirima ba ne ba tshola masea a a senang mogare wa HIV. Ka jalo a gwetlha bomme botlhe go tsibogela go ikwadisetsa boimana mo dikokelong gore fa go tlhokafala ba tsenngwe mo lenaneong la PMTCT. A re bomme fa ba tsena kwa ikwadisong ba tlhatlhobelwa bolwetse jwa HIV/AIDS, mme fa bo fitlhelwa mo go bone,ba tsenngwa mo lenaneong la PMTCT. A re ba itemogetse fa go santse go na le bangwe ba ba santseng ba diega go ya go ikwadisa fa ba imile, fa ba bangwe ba belegela mo malwapeng.O boletse fa ba sa rotloetse pelegi ya mo malwapeng ka e sa babalesega,ka jalo go belegisa go tshwanetse ga dirwa ke batho ba ba go rutetsweng. education 4 Mokgatlho o tswa ba-na-le bogole thuso Puso e tsere tshwetso ya go tswa ka mananeo a a itebagantseng le go tlhabolola matshelo a bana-le-bogole. Mafoko a a tlhalositswe ke mothusa tona wa Ofisi ya ga Tautona le Bodirela Puso bosheng, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri, fa a ne a abela mokgatlho wa bana-le-bogole wa Kopano koloi gotswa kwa go ba University Research Centre(URC) kwa America. Rre Matlhabaphri a re puso e tsweletse ka go fa Batswana sebaka sa go tokafatsa matshelo a bone gosa kgathelesege gore ba tswa mo itsholelelong e e ntseng jang, tumelo ele gore Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go ipona e le bontlha bongwe jwa ba ba nang le seabe mo go tokafatseng itsholelelo. O ne a kopa bana-le-bogole gore ba ikiteye ka thupana ba tsene mo mananeong a puso go itlhabolola, le go nna le seabe mo go godiseng itsholelo. E rile a ba rolela koloi eo mo boemong jwa URC, le ba lefatshe la America, modiredi wa lekalana leo, Mme Prisca Mbaakanyi-Tembo a re URC ke lekalana la baithaopi le le direlang mono Botswana, mme ka nako tsotlhe fa ba fetsa ba boela morago, ba abela mekgatlho le makgotla a boithaopi tse baneng ba di dirisa. O boletse fa mpho e e tla jaana morago ga gore mopalamente wa kgaolo ya Palapye, Rre Moisaraele Goya, a ise boikuelo kwa go bone, a kopa dithuso. O ne a solofetsa gore ba tlaa tswelela ka go thusa fa go tlhokegang teng. BOKHUTLO politics 7 Matlwana a boitiketso a fa seriti E re jaaka go setse ngwaga le sephatlo go goroga kwa ngwageng wa 2016, Batswana ba tshwere ka natla go dira gore matshego a tebelopele ya setshaba a fetoge boammaaruri. Sengwe se se supang fa ele ruri tsela e budule ke go bona batho ka bongwe ka bongwe, makgotla a ikemetseng ka nosi le dikompone ba eme ka dinao go thusa puso go namola Batswana mo lehumeng le go dira tsotlhe go tlhabolola matshelo a batho. Banni ba kgotlana ya Metsiaela ke bangwe ba ba neng ba bona thuso ka go agelwa matlwana a boitiketso mo malwapeng ka madi a tswa kwa komponeng ya Debswana ba sena go kopelwa dithuso ke ba ofisi e okametseng mananeo a a itebagantseng le go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS mo Boteti. Go agelwa matlwana a boitiketso mo malwapeng a le masome a le marataro le bobedi e nnile phetogo e kgolo thata mo morafeng wa kgotla e, ka gore ba filwe tlotla le seriti se ba ntseng ba sena sone. Seo gape se tla thusa gore banni ba Metsiaela ba kgone go goroga kwa ngwageng wa 2016 ba itekanetse. Le fa ntswa go lemogilwe fa matlwana a boitiketso a lefuti a ka kgotlela tikologo ka go leswafatsa metswedi ya metsi ka fa tlase ga lefatshe, kwa kgotlaneng ya Metsiaela gone, seo e nnile tswelelopele e ba saleng ba emetse ka lobaka ka go ne go se ope wa bone yo o kgonneng go e tlhoma mo lwapeng la gagwe. Kgosi wa kgotlana ya Metsiaela, Rre Alfred Petelelo a re morafe wa gagwe o kgonne go agelwa matlwana a boitiketso mo malwapeng ka thuso ya boeteledipele jo bo nonofileng jwa ofisi ya ga molaodi le khansele ba sena go kopa madi kwa komponeng ya Debswana. Kgosi Petelelo o boletse fa ofisi e okametseng mananeo a twantsho bolwetse jwa AIDS mo Boteti e le yone e neng e eteletse pele lenaneo la go kopa madi le kago ya matlwana a. Rre Petelelo a re pele go agiwa matlwana ao, gone ga tla morongwa a tswa kwa ofising eo go tla go seka-seka seemo se ba neng ba tshelela mo go sone mme a lemoga botlhokwa jwa go aga matlwana a boitiketso mo malwapeng ao. O boletse gore ka nako eo go ne go sena lelwapa lepe le le nang le ntlwana ya boitiketso mo kgotlaneng ya Metsiaela fa ese a le mabedi fela a fitlhelwang kwa kgotlaneng. O supile gore matlwana ao le one a tlile jalo ka thuso ya baithuti ba booki go tswa kwa Serowe Institute of Health Sciences ba ba neng ba direla mo Letlhakane ka nakwana ka 2012. O tsweletse a tlhalosa gore seemo sa boitekanelo se ntse se le kwa tlase mo Metsiaela, a re seo se gakadiwa ke gore bontsi jwa banni ba lefelo leo ga ba bereke mme ba ikaegile thata ka thuso ya khansele le gone go tshwara-tshwara mo Ipelegeng. Kgosi Petelelo a re le fa mo dingwageng tsa maloba go ne go se phoso go itiketsa mo sekgweng jaanong dipaka di fetogile, ka jalo seemo seo se baya botsogo jwa motho le tikologo ka kakaretso ka fa mosing. O tsweletse a supa gore botshelo bo thata mo kgotlaneng ya gagwe ka jalo go ne go se motlhofo gore mongwe o ka bona madi a go emeletsa ntlwana ya boitiketso. O tlhalositse gore seemo sa pele se ne se babalela thata bana-le-bogole le bagolo ba ba sa kgoneng. O ne gape a supa fa ntlwana ya boitiketso e tsisa seriti mo botshelong jwa motho a tswelela a akgola bao ba ba ileng ba bona gole botlhokwa go dira tiro ya go aga matlwana a. Kgosi Petelelo o ikuetse mo banning go dirisa mpho ya bone sentle ka kelotlhoko ka e le tshegofatso ya Modimo go bo ba agetswe matlwana ao ntleng ga tuelo epe. Mookamedi wa ofisi e tsamaisang mananeo a go lwantsha mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS kwa Boteti, Rre Ketlantshang Monyadiwa a re tiro ya go aga matlwana a boitiketso e tlile morago ga go dira tsheka-tsheko go bona se se tlhokwang mo kgotlaneng eo. O tlhalositse gore ba ne ba lemoga gore banni ba kgotla e ba dirisa sekgwa mme seemo seo se ka baya matshelo a bone mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetse le gone go kgotlela tikologo. O tsweletse ka go tlhalosa gore ba ile ba kwalela moepo wa Debswana go kopa madi go aga matlwana a le lekgolo mme madi a ba neng ba abetswe ke P262 000 ka jalo ba felela ba agile a le masome a le marataro le bobedi fela. Rre Monyadiwa a re ba ba agetsweng pele ba akaretsa batlhoki, bagodi le ba- nale-bogole. A re ba ba thusitsweng ba ne ba kopiwa go epa mahuti fa moagi a ne a duelwa. O tlhalositse fa ba tla ruta banni ba kgotla eo go tlhokomela matlwana a bone le go ba neela dithuto ka tsa botsogo le botlhokwa ja tikologo e phepa. Rre Monyadiwa o ikuetse mo setshabeng le mo dikomponeng ka go farologana go thusa ka sengwe le sengwe se ba nang le sone go tsweledisa go aga matlwana a mangwe kwa Metsiaela ka mo go dirilweng go ise go lekane. BOKHUTLO society 9 Sireletsang dikgwebo - mapodisi Mothusa mogolwane wa mapodisi a Serowe, Assistant Superintendent Bopelo Ntatiwa, o kopile bagwebi ba Serowe go sireletsa dikgwebo tsa bone. O buile jaana bosheng kwa thuto-puisanyong e ba neng ba biditse bagwebi ba Serowe go buisanya ka itshireletso kwa dikgwebong tsa bone. A re dipalo tsa bogodu tse di begilweng mo dikgwebong kwa Serowe mo sephatlong sa ntlha sa ngwaga wa 2018/2019 di supa gore bogodu jwa go utswa motho a theogetse bo diragetse gararo, e bo e re sephatlo se se latelang go bo go diragala ga bedi fa bogodu jwa go thuba jone bo le kwa godimo. Superintendant Ntatiwa a re bagwebi, ba tshwanetse go thapa batho ba ba boikanyego, e bile ba itse tiro gape ba tshwanetse go thapa badisadikago go tlhokomela madirelo a bone ka dinako tsotlhe. A re gantsi bogodu jo bo diragalang mo dikgwebong bo dirwa ke gore bagwebi ga ba tshware babereki sentle, mo ba ba duelang morago ga nako, a bolela fa go dira jalo go felela go dira mmereki gore a senye. O kopile beng ba dikgwebo go tsaya boikarabelo jwa tshireletsego ya babereki fa ba tshaisa bosigo. A re bagwebi ba tshwanetse go nna ba lekodisana ka pabalesego ya dikgwebo tsa bone le go abelana maele gore ba ka dira jang gore go seka ga nna le bogodu mo dikgwebong. O tlhalositse gore fa go na le bogodu jo bontsi mo kgaolong, ga ba kake ba bona babeeletsi ka gore ba tlaa bo ba tshaba bogodu. Mongwe wa bagwebi, Rre Farhang Nekakhtar wa khamphani ya Trye Services a re bagwebi ba tshwanetse go itlwaetsa go thusa setshaba se ba direlang mo go sone. A re fa dipalo tsa tshenyo di ya kwa tlase, go raya gore setshaba se tlaa bo se babalesegile le go fokoletsa mapodisi tiro. O lebogile sepodisi go bo ba bone go le botlhokwa go bitsa bogosi mo pitsong ya bone, a supa fa dikgosi di le botlhokwa mo setshabeng. Rre Nekakhtar o kopile bagwebi go itse baagisanyi ba bone le megala ya bone gore fa go na le se se diragalang mo kgwebong ya mongwe a seyo, ba kgone go mo itsese ka bofefo go tila tshenyo e e ka diragalang. O kopile mapodisi go ruta bana ba dikole ka tiro ya bone gore ba gole ba e itse le go batla gore ke eng se se dirang gore babereki ba senye. Inspector Mmoloke Kgosimore wa sepodisi sa Botswana a direla kwa Serowe, o boletse fa go na le mefuta e le meraro ya bogodu e leng tshenyetso setshaba, go utswa ka boferefere (fraud) le bogodu (theft). O kopile beng ba dikgwebo go kgaoganya babereki ba bone ka ditiro go na le gore ba dire tiro nngwe le nngwe. A re ba emise gore e re fa babereki ba tshwanetse go tsaya madi a bone fa ba sena go wetsa dingwaga tse tlhano, ba bo ba ba batlela melato ba ba koba ba sa batle go ba duela. Go dira jalo a re ga se tsamaiso. crime_law_and_justice 1 Batswana ba kgothadiwa go ikwadisetsa ditlhopho Badirela puso ba kgothaditswe go thusa setshaba ka botho le go ba fa ditirelo le ditlamelo tsa maemo a a kwa godimo ka dinako tsotlhe. Kgothatso e e dirilwe ke mothusa mokwaldi mo lephateng la merero ya ofisi ya ga Tautona le tsamaiso puso le bodiredi Mme Bokhutso Botlhole mo phuthegong e e neng e tshwerwe mo Tsabong bosheng. Fa a buisa bodiredi jwa lephata la dikitso le kgaso le ba ofisi ya ga molaodi, o ne a ba gakolola go dirisa didirisiwa le ditsompelo di tshwana le dikoloi tsa puso gore ba tsweledisa mananeo a puso. A re ofisi ya ga molaodi ke yone seipone sa gaTautona mo go tlhomamiseng gore mananeo a puso a tshwana le a nyeletso lehuma a a ka ntshang Batswana mo lehumeng a goroga kwa go ba ba tshwanetseng gore e re ka 2036 matshelo a bone a bo a tokafetse. Mme Botlhole o ne a bolela fa maikaelelo a phuthego eo e ne e le go tla go lekola badiri ba lephata leo, go utlwa matshwenyego le botsogo badiri jwa bone le go tswa ka ditharabololo tsa one. O ne a gwetlha badiri gape go ipaakanyetsa ditlhopho tsa setshaba tse di tlang gore ba tle ba kgone go tsamaisa tiro ka manontlhotlho. O ne a gatelela gore baeteledipele ba maphata ao ba bee leitlho ka fa madi a go bereka morago ga nako a dirisiwang ka teng le gore ba tshwanetse go dumalana pele le ba ba ba okametseng selekanyo sa dioura pele ga ba di bereka. Mothusa mokwaledi o ne a gwetlha gape baeteledipele ba maphata ao go duela badiri ba ba thapilweng ka nakwana ka nako e e tshwanetseng. Fa ba mo kgwa dikgaba, badiri ba ne ba ngongorega ka go tlhoka go tsholediwa maemo le ntswa ba na le ditlankana, go berekela golo go le gongwe lobaka lo lo leele, letlhoko la boroko le diofisi le diemo tse di sa siamang tse ba berekelang mo go tsone. Ba ne ba supa fa kgaolo eo e le kgakala le gore mo pakeng ya diphefo, mariga le selemo ba tlhoka difetlha phefo kwa diofisng le mo matlong a ba nnang mo go one. BOKHUTLO politics 7 Ba Mogapinyana ba tla a tshuba Banni ba Mogapinyana baya go tsenyediwa dipone tsa mekgwatlha gotswa fa lebenkeleng la bone laga Tsotsi go fitlhwa kwa kgotleng mo ngwageng ono wa madi. Seo se tlhalositswe ke mopalapmente wa bone yoo o mo leetong la kgaolo, fa ane a buisana le bone ka se a se kupileng mo lenaneong la ditlhabololo tsa setshaba la NDP 11. Oile a lebogela morafe gobo ba bone go tshwanela gore mo mading abone a ditlhabololo tsa kgaolo ba akanye go godisa kokelwana ya bone ya Maokaatumo le matlo a VDC. Mo tekodisong one a tlhalosa fa bangwe ba supile fa mochine wa bobedi wa ditlhopho o tlhokega, are mochine wa bobedi ke o o rurufatsang gore motho o tlhophile ka gontsha dipampitshana tsa tlhopho o o bidiwang . One are mochine oo o ya go tlhokana le madi a mangwe a mantsi gore o rekwe, mme are go dumelanwe gore le one o ka rekwa fela jaaka oo balang dithopho, o a neng are ba ofisi ya ditlhopho batlaa tsamaya ba o supa le go ruta batho kafa o berekang ka teng pele ga ditlhopho tsa 2019. Banni ba Mogapinyana bane ba lebogelwa go tsibogela kwadiso ya ditsha e e tsweletseng kwa motsing wa bone le go dira ka natla ga ba itlhaopi ba sepodise ba tshwaragane le mokhanselera wa kgaolo yoo o bathusang ka koloi fa mpuru a faretswe. Mma boipelego wa motse oo le ene one a lebogelwa gore a bo a kgonne go wetsa tsheka tsheko ya bana le bogole le batlhoki ka nako Ba Kgagodi bone ba ne basupa fa morero le morafe o santse otlhaela, bare go beilwe lebala la difofane mo thoteng ya bone ba sa rerisiwa, bane bare ga ba kgathanong le ditlhabololo mme ba eletsa di ka dirwa sentle ka morero go itsa dikgang tse dika nnang teng ka gore lefelo leo ke maota/masimo le mafudiso. Bane gape ba ngongorega ka madi a a a belweng dikole a paakanyo bare a mannye fela thata a okediwe gore badiri le bone ba kgone go okelediwa fa ba baakanya tse di senyegileng. Ba buile gape ka madi aa kgaoganyeditsweng dikgaolwana tsa bokhanselera a ditlhabololo tsa kgaolo bare ga a a kgaogangwa sentle, bare dikgaolwana tsa bokhanselera ga dilekane ka jalo le madi a tshwanetse a kgaogangwa ka bophara ja kgaolwana ya bokhanselera e seng gore a leka lekangwe fela. Banni ba metse eo bane ba lebogela thata mochine wa bobedi gore a onne teng go fokotsa dingongorego tse di kannang teng tsa gore bangwe ba tsieditswe.BOPA. politics 7 Balemi ba ditlhare ba tshwaraganela kgwebo kwa Kgatleng Balemi ba ditlhare kwa Kgatleng ba seegetse fa thoko malatsi a Hirikgong a tlhola masome a mabedi le bone go ya go a le masome a mabedi le botlhano go nna malatsi a ba bapatsang kgwebo ya bone ka one. Fa a bua mo potsolotsong bosheng kwa ipapatsong eo, Mme Goitsemodimo Daniel yo okametseng mokgatlho wa balemi ba ditlhare kwa Kgatleng, o ne a supa fa ipapatso ya bone e simolotse ka ngwaga wa 2011 mme ya emisiwa ke mabaka a gore theko ya ditlhare e ne e le kwa tlase. Mme Daniel a re ba ne ba seka ba itlhoboga ka ba ne ba tsweledisa ipapatso ya bone ngwaga oo fetileng le monongwaga. O tlhalositse fa puso e ba thusitse ka madi mme mongwe le mongwe wa bone a kgona go reka ditlhare gore a ipulele kgwebo. A re puso e ne ya ba neela P17 000 gore ba kgone go simolodisa kgwebo ya bone. Mme Daniel are mokgatlho wa bone o simolotse ka ngwaga wa 2011 ka pulo semmuso ya lenaneo la nyeletso lehuma. Fa a tswa la gagwe, mongwe wa bagwebi ba ba neng ba tsene ipapatso eo, Mme Shirley Mosate o ne a tlhalosa fa ba kopana le dikgwetlho tse di farologaneng mo temong ya ditlhare. A re metsi, polaseteke e ditlhare di lemelwang mo go yone le theko ya ditlhare ke dingwe tsa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo kgwebong ya bone. A re Batswana ba le bantsi ga ba ise ba tlhaloganye botlhokwa jwa temo ya ditlhare mo malwapeng a bone ka jalo se se ba gwetlha gore ba ipapatse thata gore ba kgone go bona dipoelo. “Mo ipapatsong e, re ruta Batswana gape ka mefuta ya ditlhare e re nang le yone le gore ba ka di tlhokomela jang fa ba sena go di reka. Re ba rute gape ka botlhokwa jwa go lema ditlhare mo lapeng,” Mme Mosate a tlhalosa. Mme Mosate a re e re le ntswa ba rekisa ditlhare ka go farologana, setlhare sengwe le sengwe se na le tlhwatlhwa ya sone. A re ba bapaditse ditlhare tsa maungo le tse di kgabisang go oka bareki. Mme Mable Masike le ene o ne a itumelela gore mokgatlho wa balemi ba ditlhare o na le sebaka sa go ipapatsa ka ba kile ba ya go bapatsa ditlhare tsa bone kwa segopotsong sa letsatsi la temo ya ditlhare le ka kgwedi ya banana kgatlhanong le HIV/AIDS. A re puso e dira go le gontsi go ba thusa ka gantsi ba biletswa ditiro tse mo go tsone ba tlaa bong ba atswiwa ka madi ele bontlha bongwe jwa go rotloetsa dikgwebo tsa bone. O tsweletse gape ka go akgola bomme ba mokgatlho ka mowa wa tirisano mmogo o ba nang le one, a tlhalosa fa ba thusana fa yo mongwe kgwebo ya gagwe e ya tlase. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Kgosi Kgakanyane o tlaa gagamatsa molao Kgosi Shathani Kgakanyane wa Sebina mo kgaolong potlana ya Tutume a re dipolaano le borukutlhi jwa banana di ka fokodiwa ke go gagamatsa molao. Mo puisanong le BOPA bosheng, kgosi o ne a tlhalosa fa a lemogile fa bontsi jwa dikgang tse a di amogelang e le tse di diraragalelang kwa marekisetsong a nnotagi. A re o ikaeletse go gagamaletsa badira melato botlhe ba ba a bong ba itshietse bojalwa ka a na le lebaka a kgalema ka nno-tagi. Kgosi a re banana ka bontsi ba ikaeletse ditiro tsa borukutlhi mme ba ipata ka gore ba dirisiwa bogodu le tse dingwe tsa botlhoka tsebe ke letlhoko la ditiro le go itebatsa mathata a lehuma. A re ba bua jalo le mororo go na le mananeo a puso a nyeletso lehuma a ba sa a kgatlhegeleng, gape a re se se mo gakgamatsang ke gore banana, le ba re ba tlhoka ditiro jaana madi a bojalwa one ba sa a tlhoke. O ne gape a bolela fa go tlhokega gore batsadi le bone ba thuse go kgalemela bana ka Setswana se re mabogo dinku a a thebana, ba seka ba itshupa fela fa ba utlwa fa ngwana wa bone a dirile molato kana a golafaletse mo bojalweng, a tlhalosa fa bontsi jwa batsadi ba bonala dilo di ile masweng fela. Kgosi Kgakanyane o ne a bolela gape fa bontsi jwa dintwa le dipolaano tsa baratani ba banana di kukediwa ke bojalwa. Kgosi o kaile fa a tshwenngwa ke dipalo tsa bana ba ba tlogelang sekolo se segolwane sa Shangano kwa Sebina, segolo bogolo ba basetsena. O ne a tlhalosa fa ba tlogelwa ka lebaka la go ima mme e le maduo a bojalwa. Kgosi o ne a tlhalosa gape gore fa go ne go ka nna le badirela puso ba ba lebelelang bana ba dikole mo marekisetsong a bojalwa, dipalo tsa bana ba ba itisang kwa marekisetsong a bojwala di ne di ka fokotsega. Kgosi a re ka jalo, o bua a menne phatla gore fa a ka tshwara motho a dirile molato a bo a re ke bojalwa, o tlaa mo tseela dikgato tse di gagametseng. O ne a kopa kemo nokeng ya morafe otlhe wa motse go kgalema bana le go ba kaetsa tsela e e siameng ka a ka se kgone a le nosi. crime_law_and_justice 1 Thuto ke pinagare ya mongwe le mongwe - Maruje Kgosi Thabo Maruje III wa Masunga a re thuto ke pinagare motho mongwe le mongwe a tshwanetseng go ikaega ka yone. Fa a bua kwa tirong ya go ribolola ditshwantsho tse di dirilweng ke badiri ba lephata la thuto le tlhabololo dikitso mo leobong la kgotla ya Masunga ka Labobedi, Kgosi Maruje III o boletse fa thuto e le botlhokwa ka jaana e ama dikarolo tsotlhe tsa botshelo. O bile a kaya fa go tshwanetse ga lemogwa fa thuto e se fela e e amogelwang kwa sekoleng, a supa fa letsatsi lengwe le lengwe la botshelo le tlisa dikitso tse di farologaneng tse di ka tlisang phetogo mo botshelong jwa motho. O ne a rolela hutshe ephata la thuto le tlhabololo dikitso go bo le pentile la bo la dira ditshwantsho tse di nang le bokao jo bogolo mo morafeng wa Masunga, a re seo e tlaa nna thuto e e tlaa akolwang ke dikokomane di le mmalwa tse di tlaa tlang. E ntse e le kwa tirong eo, mokhanselara wa Masunga, Rre Elias Mbonini le ene o ne a iteela legofi lephata leo, le ene a kaya fa ditshwantsho tse di dirilweng mo leobong la kgotla ya motse wa Masunga di tlaa nna le seabe se segolo mo go thuseng go somarela ditso tsa banni le tsa lefatshe la Botswana ka kakaretso. Rre Mbonini o ne a tlhalosa fa go dibela le go disa ngwao kgatlhanong le go nyelela e le selo se morafe o ntseng o se lwelago bona gore toro eo e a diragadiwa. E ne e rile go le pele, fa a a fa motlhala ka tiro e ba e dirileng, mookamedi wa tsa thuto wa kgaolo ya Bokone Botlhaba Rre Galesengwe Mohube, a supa fa e ne ya re morago ga go tsewa ga tshwetso ya gore letsatsi la go isa ditirelo kwa setshabeng le tlaa tshwarelwa kwa Masunga, badiri ba ne ba tswa ka mogopolo wa gore ba dire sengwe mo motseng oo se ba tlaa gakologelwang ka sone. Rre Mohube o ne a tlhalosa gore e ne ya re ba ikopantse le bogogi jwa motse go supa keletso ya bone, ba kopiwa go penta le go dira ditshwantsho tse di nang le bokao jo bo rileng mo leobong la kgotla. Mogopolo oo, o boletse fa ba ne ba o amogela ka tsoopedi, seo e le go lemoga fa kgotla e le lefelo la botlhokwa mo motseng, le bokao jwa lone bo tlhokang go tswelela bo tlotlomadiwa. Mo godimo ga go ribololwa ga ditshwantsho tseo, motse wa Masunga o ne wa abelwa diaparo tse tsone di tlaa abelwang ba go tlaa lemogwang fa ba na le letlhoko mo motseng. Tiro eo ya go ribolola ditshwantsho e ne e le bontlha bongwe jwa ditiragalo tsa letsatsi la go isa ditirelo tsa lephata kwa setshabeng. education 4 Ba itumelela go ya Mahalapye Bophirima Batho ba metse ya Tewane le Mmadipheretha ba amogetse mogopolo wa gore ba tlaa wela mo kgaolong ya Mahalapye Bophirima mo ditlhopong tse di tlang. Ba buile jalofa mopalamente wa Shoshong, Rre Phillip Makgalemele a ba rolela mafoko kwa dikgotleng tsa metse eo Seetebosigo a le masome mabedi le borataro. Rre Makgalemele o ne a tlhalosetsa kokoano eo gore kgaolo ya bone e tlaa tswa kwa Shoshong mme e nne bontlha bongwe jwa kgaolo ya Mahalapye Bphirima e monakong enoe e eteletsweng pele ke mopalamente Rre Bernard Bolele. Rre Makgalemele o ne a re e re le ntswa tshwetso eo e mo utlwisitse botlhoko o a e amogela, a re e tlaa thusa gape le go fokoletsa batho ba Tewane le Mmadipheretha mosepele wa go ya Shoshong.A re o ne a santse a solofetse go ba direla ka botlalo le ka bonatla. Mo dikganyeng tse dingwe Rre Makgalemele o ne a kopa batho ba Tewane go ipaakanyetsa go ka tlhabologa, bogolo jang ka motse wa bone o bapile thata le Mahalapye. O ne a ba kopa gore ba dirise sebaka se go tlhabolola matshelo a bone, ba rue ba leme mme ba nne boremelelo jwa kgwebo nngwe go tsholetsa itsholelo mo motseng wa bone. Fa a lekodisa ka ditlhabololo tsa motse, modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Tewane, Mme Ditebogo Kaiyosi o ne a kopa goremotlakase o gogelwe mo motseng. Mopalamente Makgalemele o ne a tlhalosa fa itsholelo e sa ntse e sa letle go ka gokela motlakase mme a re o mo dipuisanong le ba motlakase wa marang a letsatsi go dirisiwa mo motseng wa Tewane. Mopalamente Makgalemele o ne a aba lebone le le dirisang marang a letsatsi go dirisiwa mo kgotleng ya motse.Bokhutlo politics 7 Modisaotsile o itshetsa ka senkgwe Batswana bangwe akola mananeo a puso e a dirileng go ba ntsha mo lehumeng, bogolo jang ka letlhoko la ditiro le kokonela ba le bantsi. Mme Tebogo Modisaotsile yo o dingwaga di masome mane le boferabongwe, wa Gakgatla gaufi le Thamaga ke mongwe wa ba ba filweng lenaneo la nyeletso lehuma go apaya borotho. A re o filwe lenaneo ka 2014 mme e rile morago a isiwa dithutong tsa go apaya ga mmogo le go tlhokomela kgwebo. Fa a bua mo potsolosong, Mme Modisaotsile a re ba simolotse e le bomme ba le setlhopha ba le barataro ba ipitsa Jesang Malwapa Bakery mme bomme ba batlhano ba ikgogela morago ka mabaka a botshelo mme a sala a le nosi. A re o ne a rekelwa ditofo tse pedi, ditsidifatsi tse pedi ga mmogo le didirisiwa tse di beelang borotho. Didirisiwa tse di rekilweng di lopile P12 000. Mme Modisaotsile o tlhalositse gore o hirisitse madirelo a komiti ya ditlhabololo tsa motse a a a duelang P75 ka kgwedi gore a apeele borotho teng. A re kgwebo e tsweletse sentle e bile o apaya diphaphatha ga mmogo le dilofo mme go reka mongwe le mongwe fela ka go sena khamphani epe e a dumalaneng le yone go e apeela. Mme Modisaotsile a re o lebogela lenaneo la nyeletso lehuma ka le ne la mo thusa gore a fetse ntlo ya gagwe ka a re e ne e sa bolo go nna lebaka le le telele e sa fela. A re lenaneo gape le mo thusitse gore a nne a ipolokela madi kwa posong kgwedi le kgwedi ga mmogo le go jesa ba lelwapa la gagwe. O ne a tswelela a tlhalosa gore lenaneo le mo thusitse gore a itse gore kgwebo e tsamaisiwa jang le gore a nne pelotelele mme a tlhalosa gape gore ke dilo tse a neng a sa di itse pele ga a tsena mo kgwebong eo. A re o ithutile gore o tshwanetse a dira mekwalo ya gore a kwebo e dira dipoelo kana ditshenyegelo. Mme Modisaotsile a re jaaka kgwebo nngwe le lengwe o kopana le dikgwetlho mme seo se dire gore a tswe ka methale ya go di lwantsha. “Dikgwetlho tse ke kopanang le tsone ke gore ga go na metsi mo madirelong a me, ka jalo ke agelela kwa lwapeng la me letsatsi le letsatsi. Motlakase le one ga o yo jaanong ditsidifatsi tse ke di filweng ga di na tiro epe e di e dirang,” ga tlhalosa Mme Modisaotsile. Mme Modisaotsile o rotloeditse Batswana gore ba seka ba itsapela mananeo a nyeletso lehuma ka a diretswe bone go intsha mo lehumeng. A re lenaneo lengwe le lengwe le mosola e bile le batla o le dira ka botswapelo le go lwantshana le kgwetlho gore o seka wa le phuaganya mo tseleng. BOKHUTLO education 4 Mmereki o tshegeditse ngwao ya go suga matlalo E ne ya re ka Tshipi diphuthego tsa Tonota tsa phuthaganela kwa kgotleng kgolo go tshwara merapelo kgatlhanong le mangwe matshwenyego a a apesitseng lefatshe leno kobo ka letshoba. Fa a bua kwa bokopanong jwa dikereke tseo, modulasetilo wa lekgotla le le okametseng dikereke tsa Tonota, Moruti Mosetsana Gaonabeng o tlhalositse fa Lwetse e le kgwedi e lefatshe leno le e seegetseng fa thoko go nna kgwedi ya merapelo kgatlhanong le matshwenyego a lefatshe. Ka jalo o ne a tlhalosa fa le bone fela jaaka dikereke tse dingwe go ralala lefatshe leno, ba ne ba tlhopha letsatsi la Tshipi, e le diphuthego tse di obamelang mo Tonota go tla go rapela kgatlhanong le diemo tse di ba tshwentseng mo Tonota le lefatshe ka bophara. Moruti Gaonabeng o supile fa lefatshe leno le lebanwe ke matshwenyego a a akaretsang segajaja sa HIV/AIDS, dipolaano tsa baratani, dikotsi tsa tsela, maitsholo a a makgaphila gammogo le dipula tse di sa ikanyegeng. O ne a tlhalosa fa matshwenyego a a felela a baka matlhotlhapelo mo matshelong a batho. Moruti Gaonabeng o ne a tlhalosa gore go tlhokega gore batho ka bongwe ka bongwe ba ikgakologelwe ba lebe kwa Modimong ka e le ene tsela le boammaaruri godimo ga tsotlhe. “Fela fa re ka ikanya Modimo re mmoifa ka dinako tsotlhe, dilo tse tsotlhe di ka bona tharabololo” a bua jalo a paka fa poifo Modimo e le yone tshimologo ya botlhale. O ne gape a tlhalosa fa go tshelela ka fa tlase ga ga Keresete go ka thusa go menagane gore lefatshe leno le kgone maikaelelo le maitlamo a lone a tebelopele ya setshaba ya 2036 a go nna tshaba e e itekanetseng e tshelela mo kagisong le thokgamo. Go le pele mogokaganyi wa ditirelo tsa bolwetsi jwa AIDS mo kgaolong-potlana ya Tonota Mme Chipo Manyiwa o ne a supa fa kgaolo ya gagwe e e akaretsang metse e le lesome le boraro e amilwe bobe ke bolwetse jwa AIDS. O tlhalositse fa se se ngomolang pelo e le gore le ntswa puso le makalana a a ikemetseng ba leka ka bojotlhe go lwa ntwa kgatlhanong le kanamo ya bolwetse jo, go santse go tshwenya go bo dipalo tsa batho ba ba itlhatlhobelang mogare nako e sa le teng e tsena mo seatleng. O supile fa gape batho bangwe ba na le go itlhokomolosa ditlamelo tse di leng teng go ka lwantsha kanamo ya HIV, a afa sekai ka go tlhalosa fa go na le bomme bangwe ba ba itsholofelang mme ba bo ba sa ikwadisetse boimana mme ba felele ba belegela mo malwapeng. Mme Manyiwa o tlhalositse fa ba lemoga se fa ngwana a sa tsoga a tsisitswe bookelong. A re go dira jalo ke go tsenya matshelo a bana mo diphatseng, a tlhalosa gore fa mme a itsholofetse o tsenelela ditlhatlhobo ka go farologana mme e bile go na le lenaneo la go thibela kgonagalo ya go anama ga mogare go tsweng kwa go mmangwana go ya kwa leseeng. Mogokaganyi o ne a tlhalosa fa kgotlholo e tona e le di ya thoteng di bapile le AIDS mme a gwetlha jalo banni ba kgaolo-potlana ya Tonota go itlwaetsa go itlhatlhobela malwetse ka go farologana nako e sale teng gore ba kgone go bona thuso fa go tlhokafala. Fa a iteela kobo moroko, Moruti Balayi Majoo wa kereke ya Spiritual Healing o rotloeditse diphuthego go ikitaya ka thupana go tsaya boikarabelo ka matshelo a bone. A re jaaka e le bakeresete, ke tshwanelo ya bone gore ditiro tsa bone di supagale gore ke batho ba ba itlhophetseng go tshelela Modimo. O buile jalo a kgala dipolaano tsa baratani ga mmogo le go nna le bakapelo ba le bantsi. Moruti Majoo o kgadile gape batho ba ba santseng ba na le mowa o o bosula wa go kgetholola ba ba nang le HIV, a ba kopa go nna le lorato lwa Bakoranta. A re se ba tshwanetseng go se dira ke go lemoga batho ba go nna jalo mme ba ba rotloetse go tsenelela mananeo a a ka ba bontshang tsela. Mokhanselara wa Tonota, Rre Chris Machokoto o ne a lebogela diphuthego go tshwara merapelo le morafe. A re ke tumelo ya bone gore Tonota le lefatshe ka bophara o tlaa robalelwa ke ditlhokwa mabapi le dipolaano, malwetse le dikotsi tsa tsela tse di gapang matshelo a batho. arts_culture_entertainment_and_media 0 Setlhopha sa Wayei se tsosolosa ngwao Mogolwane wa setlhopha sa Wayei sa mmino wa ngwao, Rre Letshitile Otora o akgotse maiteko a ga Tautona a go tsosolosa ngwao ka dikgaisanyo tsa malatsi a ga Tautona. Fa a bua mo potsolosong le BOPA, Rre Otora a re setlhopha sa bone se se tlholegang kwa Boro ga se a lebagana le mmino wa Seyei fela. A re ba setse ba ithutile go dira didirisiwa tsa ngwao di tshwana le ditlatlana le dibaga e le bontlha bongwe jwa go ntsha banana mo mebileng gore le bone ba nne le se ba se dirang le go re ba kgone go oba letsogo. Rre Otora a re setlhopha seo se ba se tlhamileng ngogola morago ga gore ba meletse ditlhopha tse dingwe mathe tse di neng di akola mo dikgaisanyong tsa ga Tautona, se setse se na le banana be le masome mabedi ba ba tlholegang gone kwa Boro. “Dikagisanyo tsa malatsi a ga Tautona di mosola ka jaana di kgonne gore re tlhame setlhopha se sa rona le go re re nne le kgatlhego mo dilong tsa ngwao tse di neng di setse di nyelela,” ga bua Rre Otora. A re ba ruta banana ka ditso tsa ngwao ya Bayei le maitshwaro a a siameng, segolo bogolo ba basetsana ba le bone ba rutwang gore ba ka apara jang. A re ba lemogile gore ngwao ya Bayei e a nyelela ka jaana go se motlhofo go bona monana wa Moyei a bua Seyei, mme ba tswa ka mogopolo wa go tlhama setlhopha. “Re setse re ise re tsenelele dikgagisanyo tsa ga Tautona ka jaana re santse re batla go godisa setlhopha le go itlhokotsa ka gore phadisanyo ya ditlhopha ke e e masheta go batla gore ditlhopha di ipaakanye sentle,” a tlhalosa. Rre Otora a re o lemogile gore morago ga dikgaisanyo tsa ga Tautona banana ka bontsi ba ne ba simolola go ikgakologelwa le go ikamogela, selo se a supang fa se rotloediwa ke Tautona, mme se tshwanetse sa lebogelwa le go diragadiwa. A re ba mo maikaelelong a go simolodisa buka e e kwadilweng ka Seyei e le bontlha bongwe jwa go godisa ngwao ya bone le go thusa banana ba ba sa itseng Seyei sentle, a tlatsa ka go re go dira jalo go tlaa rotletsa dingwao tsa merafe a mengwe go ba amogela. O tladitse ka go re setlhopha sa bone ga se a lebagana le mmino fela ka gore nako tse dingwe ba a tle ba laletse bagolo mo motseng go tla go anya dikitso ka ngwao le gone gore ba godise setlhopha sa bone gore batle ba kgone go tsenelela dikgaisanyo tsa malatsi a ga Tautona ngwaga oo tlang. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Mapodisi a tlhotlhomisa petelelo Mookamela mapodisi a Tsabong, Superintendent Howard Modo a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bosupa, wa kgotla ya Thabeng, a beteletseng mosetsana wa dingwaga tse di lesome le boferabongwe, yo go belaesegang e ne e le mokapelo wa gagwe wa pele, mme ene ele wa kgotla ya Herero, botlhe ba tlholega kwa Omaweneno. Superintendent Modo o tlhalositse fa tiragalo eo e diragetse kgwedi e e fetileng ele masome a mabedi le bosupa kwa lwapeng la mmelaelwa. O kaile fa mmelaelwa a tsere dikobo ka dikgoka mo lekgarebeng leo, morago ga go mo tsubula mo mokapelong wa gagwe kwa maitisong. Rre Modo a re mmelaelwa o tla isiwa fa pele ga lekgotla la ga makaseterata mo bogaufing go lebisiwa molato wa petelelo. Mo go tse dingwe, Rre Modo o kaile fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone banna ba le babedi, wa dingwaga tse di masome a mabedi le boferabongwe le masome a mabedi ba fitlhetsweng ka dilwana tsa kago tsa boleng jwa P5 84o, tse go belaesegang ba di utswile kwa madirelong mangwe a kago teng mo Tsabong. A re babelaelwa bao ba tla isiwa fa pele ga lekgotla la ga makaseterata. O ne a tlhalosa fa ba gatisitse melato ya dikiteo e le merataro, ya go rekisa bojalwa pele ga nako e e beilweng le e mengwe ka letsatsi la boipuso. Le fa go ntse jalo Superintendent Modo o kaile fa malatsi a boitapoloso a boipuso a ketikilwe sentle mo Tsabong le metse e e mabapi, ka bakgweetsi ba ne ba na le tirisano mmogo le mapodisi, a kaya fa le setshaba se ne se itshwere sentle ka boitshwaro le botho jo bo eletsegang; mme a kopa gore mowa oo o nne o tswelele go ya pele. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Tutume o itumelela katlego ya ga Anicia Banni ba Tutume ba ne ba tshologetse kwa kgotleng ka Labotlhano go amogela naletsana ya mmabontle wa Miss Teen International Botswana, Anicia Gaothusi. Fa a amogela morafe ka Labotlhano, Kgosi Alphonse Nsala o boletse fa mosetsana yoo a tlotlomaditse motse wa bone. Kgosi Nsala a re bana ba ba tswang kwa kgaolong eo ba lesego ka ba nna ba atlega mo dikgaisanyong tse di farologaneng. A re seo ke tiro e ntle thata ka ba baya motse mo mmepeng. A re gape go supa fa ba le botlhale e bile ba na le talente. Kgosi Nsala a re ka fa bokgeleke le ditalente di ribologang ka teng mo kgaolong, go supagala fa go santse go tla nna le dikgantshwane tse dintsi tse di tla emelang Botswana kwa mafatsheng a sele. Morulaganyi wa dikgaisanyo tsa Miss Teen International Botswana, Mme Michelle Gaelebale, a re ba ne ba rulagantse mmabontle oo ka go tsaya basetsana ba le masome mararo. A re Anicia o ne a gaisa basetsana ba bangwe, mme o tlaa go emela Botswana kwa India ka kgwedi ya Sedimonthole monongwaga. Bontsi jwa dibui di boletse fa kgodiso ya ngwana e supa se ngwana a tlaa nnang sone fa a gola. Ba ne ba kopa batsadi go ema nokeng bana ba bone le go ba fa lesedi la go dirisa talente ya bone. Mokhanselara wa Tutume Bophirima, Rre Moseki Mathodi, o ne a galaletsa naletsana eo, a supa fa motse wa Tutume o le lesego ka go tlotlomadiwa ke dikgantshwane tse di abetsweng ditalente ka go farologana. Rre Mathodi o tsweletse a supa fa mo bosheng, Rre Uyapo Ndadi ba mafatshe a sele ba supile fa ba lemoga tiro ya gagwe ya go bua ka dikgang tse di amang matshelo a batho. A re gape gona le motabogi, Isaac Makwala l. Mokhanselara o ne a eleletsa naletsana eo katlego le phenyo le go diragatsa dikeletso tsa Batswana. arts_culture_entertainment_and_media 0 Banni ba akgola ba kokelwana ya Thini Ba kokelwana ya Thini kwa Tutume ba bone go tshwanela gore ba isetse batho ba Gwemimotsha ditlamelo tsa botsogo kwa kgotleng ya bone ka Labone wa bofelo mo kgweding. Mo puisanyong le BOPA, Mme Unangoni Chawana wa Gwemimotsha o boletse gore ba kokelwana ya Thini ba dira tiro e ntle thata ya go bona gore baagi ba motse oo ba bona thuso ya bongaka gaufi le bone gangwefela mo kgweding. A re thulaganyo eo, e tokafaditse matshelo a bone ka kokelwana ya Thini e le kgakala e bile ba tshwanelwa ke go palama dikoloi tsa Setshaba go bonwa ke ngaka. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Keikantse Thamae o ne a leboga ba kokelwana ya Thini ka kakanyo eo. A re go supa fa ba rata tiro ya bone e bile ba kgathala ka botsogo jwa setshaba. O kopile batho go dirisa sebaka se go tsisa bana le go itekodisa ba bongaka. Bokhutlo health 6 Makgotla a babereki ga a lwe le puso Babereki bogolo thata badirelapuso ba gakolotswe go kgaogana le sepolotiki mme ba ithute ditshwanelo tsa bone. Mafoko a, a builwe ke mookamedi wa lekgotla la babereki ba letsatsi Rre Simon Kgaoganang kwa moletlong wa segopotso sa letsatsi la babereki kwa Serowe. Rre Kgaoganang a re, bone e le makgotla a babereki ga ba kgatlhanong le puso e bile ga ba tsene gope mo sepolotiking, kgang ya bone fela e fa gare ga bone le mohiri. O tlhalositse gape gore, makgotla a baberiki a itebagantse le go bona gore babereki ba itse ditshwanelo tsa bone le gore a ba tsewa sentle kwa ditirong e seng go bua ka sepolotiki le go leka go menola puso. O tsweletse a re, sa bone ke go netefatsa fela gore ka nako ya ditlhopho tsa setshaba babereki ba ya go tlhopha. O gateletsela thata gore babereki ba kgaogane le sepolotiki mme ba tlogelele mapolotiki tiro ya bone. O gakolotse babereki ba ba neng ba tsene moletlo wa letsatsi la babereki gore moletlo oo ga se wa babereki ba puso fela, mme ke wa babereki botlhe. A re, go a swabisa go bo batho ba tsile go ipelela letsatsi le mme ba tlogetse badisa le ba ba ba thusang kwa malwapeng kwa morago. Rre Kgaoganang a re, ka letsatsi le batho botlhe ba ba berekang ba a kopana mme ba neelane megopolo gore ba ka tokafatsa jang pereko ya bone. O tlhalositse fa bangwe ba ntshitse letsatsi le la boitapoloso kgotsa le ba iperekang ka lone ka ba ya merakeng. E rile a tswa la gagwe modulasetilo wa komiti ya Serowe ya BOFEPUSU Rre Joel Boitumelo, a tlhalosa fa a ngongoregela kemo nokeng ya babereki mo diphuthegong tsa go nna jaana ntswa makgotla a babereki a nale maloko a mantsi. BOKHUTLO politics 7 Nnotagi ke peo ya kgokgontsho ya bong Go itontela nnotagi ke peo ya kgokgontsho ya bong e e diragalang mo malwapeng. Se, se builwe ke mothusa modulasetilo wa lekgotla la borre mo kgaolong potlana ya Mahalapye, Rre Kebaemetse Kesenogile mo potsolotsong bosheng. O tlhalositse fa borre bangwe ba le bonolo fa ba sa itshiela nnotagi mme fa ba sena go nwa nnotagi ba fetoga bakgokgontshi. Rre Kesenogile o boletse fa lehuma le ka baka gore motho a kgokgontshiwe bogolo jang fa e le mme a nna le rre yo o mo tlhokomelang. Mothusa modulasetilo o ne a tswelela ka go gakolola borre gore ba phuthuloge ba bue ka mathata a bone le bakapelo ba bone ka gore fa ba kare ba itshoka ka mathata a bone a felela a ba gatelela mme ba felele ba kgokgontsha bakapelo ba bone. Rre Kesenogile one gape a gakolola borre go inaakanya le itshidilo mmele ka gore itshidilo mmele e lapolosa thaloganyo, o kaile fa rre yo o nnang a lapologile tlhaloganyo a sa tshabelelwe ke go amega mo kgokgontshong ya bong. Mothusa modulasetilo o kaile fa lekgotla la Men Sector le lwantshana le kgokgontsho ya bong ka go rutuntsha borre ka bodiphatsa jwa kgokgontsho ya bong mo mafelong a a farologaneng jaaka ko ditirong tsa borre, diphuthego tsa borre le ko metshamekong ya kgwele ya dinao e e rulagangwang ke lekgotla la Men Sector. Rre Kesenogile o boletse fa mo malatsing a le lesome le borataro a metseletsele ya go thibela kgokgontsho ya bong ba tlaa bo ba ipelela meletlo ka go farologana e tshwana le kgwedi ya borre, letsatsi la mafatshefatshe kgatlhanong le bolwetse jwa HIV/AIDS (World AIDS Day), le letsatsi le le kgatlhanong bolwetse jwa HIV/AIDS mo kgaolong-potlana ya Mahalapye (District World AIDS Day) kgwedi ya morule e tlhola malatsi a le boferabongwe ko kgotleng ya Boseja mo Mahalapye. health 6 Go lema mariga go molemo Lenaneo la ditshingwana tsa merogo le tsweletse ka go solegela ba ba le tsereng molemo gammogo le go bona dipoelo mo go lone. Mme Tiroyamodimo Mpole wa motsana wa Malotwane mo kgaolong ya Kgatleng ke bopaki jwa seo, erile a tlhalosa mo potsolotsong ka Laboraro o boletse fa go lema merogo mariga go mo thusa fela thata ka diji di se dintsi paka eo. Mme Mpole o boletse fa a tsere lenaneo leo ngwaga wa 2014 mme le ntswa ene ele motho wa go rata go itemela mo lwapeng a itirela ka diatla seo se ile sa mo tiisa moko fa a bona thotlhoetso. O boletse fa a simolotse a lema ditlhare abo a lema merogo mme morago ga moo aya go bona mmapoipelego le molemisi a ba bitsa go bona tse a di lemileng mme ka seo a bona thotloetso ya lenaneo. O tlhalositse fa a ile a bona thuso ya masang a a khurumetsang dijwalo, didirisiwa tsa temo, dipeo le mathumpho a a thusang go nosetsa ale boroba bobedi, mme a nna le kgwetlho ya metsi le ba lephata la metsi a berekela go duela metsi ka dituelo dine di le kwa godimo mme a felela a kgaotswe. O tsweletse a tlhalosa fa a ile a dira kopo ya go fudugela kwa masimo kwa a teng mo nako eno go tsweledisa temo ya gagwe teng ka ana le sediba se a ka pompang metsi mogo sone mme a atlega mme a simolola go jwala ditamati a kgona go di nosetsa sentle. Mme Mpole o boletse fa a rekisa tse a di lemileng go bona dipoelo le ntswa bothata balemi mo kgaolong ba le bantsi mme mmaraka wa go rekisa o le monnye ka jalo a itlhophetse go tsamaya mo motseng a rekisa ditamati le morogo wa gagwe mme di rekiwa sentle dipoelo di nametsa fela thata. O tlhalositse fa a rata go lema mariga thata ka dijwalo tsa teng di nonofa ka ga di fesiwe ke letsatsi go na le go lema ka selemo ka di jwalo di e swa bogolo jang ditamati, a re o itsetsepetse mo go lemeng e le tiro ya gagwe ya nako tsotlhe, a tlatsa ka gore o bona dipoelo tse di siameng thata mo go rekiseng pherefere ya gagwe ebile batho ba e rata ba e reka thata. O tlhalositse fa a na le mowa wa lorato wa go rata merogo le ditlhare a di lema mme seo se tlile fela mo go ene e le toro abo a tswelela ka go dira, a re o sale a nna le lorato la temo go tswa bogologolong metsi a santse a laolwa ke khansele mme ditlhwatlhwa tsa one di le kwa tlase mme a sa lele ka dituelo tsa metsi. O boletse fa go fudugela mo masimo a ne a bona a sa boelwe ke sepe a berekela go duela metsi fa e sale go tsaya kompone ya WUC go tswa mo khanseleng. Mme Mpole o boletse fa a kopa motshetelo wa dijwalo mo merakeng le masimo a a mabapi le ene, mme a lwantsha diji mo dijwalong ka go dira motswako wa go tsenya kwii mo metsing abo e tswa matute mme a tlhakanye le pherehere e e lore e a e rekang ko shopong mme a tshele mo dijwalong tsotlhe, a re go dira jalo go mmerekela fela thata ka a tshaba go koba diji ka melemo ka a kgona go rekisa tsatsi le letsatsi. O boletse fa a eletsa go godisa kgwebo ya gagwe mme a batla go ikopanya le ba lenaneo leo go mo okeletsa ka a batla go lema dijwalo ka go farologana dile dintsi, mme go ka nna molemo fa ba ka mo thusa bogolo jang ka mathumpho a a nosetsang ka a batla go lema thata mariga ka a le botoka gona le selemo. economy_business_and_finance 3 Tsayang karolo mo ntweng kgatlhanong le HIV/AIDS Batswana ba gwetlhilwe go tsaya karolo le go bereka ba le seopo sengwe ga mmogo le go fetola boitshwaro jwa bone mo go tsa tlhakanelo dikobo e le maiteko go lwantsha bolwetsi jwa HIV/AIDS. Mookamedi wa tsamaiso merero ya makgotla a Setswana mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Segopotso Sakwape o buile se kwa letsatsing la segopotso sa bolwetsi jwa HIV/AIDS, kwa motseng wa Mbalambi bosheng. Rre Sakwape a re setlhogo sa letsatsi se se reng ‘Setshaba se dira pharologanyo’, se gwetlha setshaba, bogolo jang banana, makalana a a ikemetseng ka nosi, ba botsogo le baeteledipele ba merafe go itshekatsheka le go tsaya karolo mo go tsibogeleng dikgang tsa bolwetsi jwa HIV/AIDS ga mmogo le botsogo. A re puso e eletsa go bona ba dira pharologanyo, ba leka bojotlhe go laola le go lwantsha kanamo ya mogare ka gotlhe mo go ka kgonegang, a re go dira jalo go ka thusa gore dithuso dingwe tse di itebagantseng le botsogo di lebagangwe le matlhoki a mangwe. Rre Sakwape o ne a supa fa puso e dirile maiteko a a bonalang go lwantsha mogare wa HIV, a re mme e bile e tsweletse mo maitekong a yone a go fitlhelela dieelo dingwe tse e di itshegetseng go leka go lwantsha mogare le toro ya yone ya go o laola ka ngwaga wa 2020 mmogo le go o fedisa gotlhelele ka ngwaga wa 2030. A re seo se ka kgonega fela fa batho ba ikiteile dihuba, ba tswa ka dikakanyo tse disha tse di ka thusang go tsibogela dikgang tsa botsogo le go seke ba letlelela ka gope gore go nne le ditiragalo tse disha tsa kanamo ya mogare. Rre Sakwape o tsweletse a kaya fa lenaneo la thibelo mogare go tswa kwa go mmangwana go ya kwa loseeng le tsweletse sentle. Gontse go le foo, Rre Sakwape o ne a gakolola batsena letsatsi leo go tswelela ba itlhatlhobela mogare gangwe le gape, a supa fa ope yo o tshwarwang ka mogare a simolodisiwa diritibatsi ntle le tiego epe. Le fa gontse jalo, a re go a tshwenya ka jaana bangwe ba na le mokgwa wa go sa obameleng ditaelo tsa ba botsogo, mme seo se felela se holodisa maiteko a go lwantsha bolwetsi joo. Fa a nankola maikalelo a letsatsi leo, mogokaganya ditiro tsa HIV/AIDS mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Chris Moseki o ne a tlhalosa fa e le go neela batho sebaka sa go itshekatsheka le go tswa ka maano a masha a a itebagantseng le dikgang tsa HIV/AIDS, ka maikaelelo a go gatela pele mo ntweng eo. health 6 Zwenshambe o atla pitso Banni ba Zwenshambe ba atlile pitso e e neng e rulagantswe ke mokgatlho wa Sebina o o tlhokomelang bana ba dikhutsana le balwetse e ba neng ba e tshwaraganetse le ba mokgatlho wa Galabgwe, o one o itebagantseng le itlhatlhobelo mogare wa HIV. 
 Pitso e, e ne e le go rotloetsa banni ba Zwenshambe go itlhatlhobela HIV, go ba nonotsha ga mmogo le gone go ba rutuntsha ka borai jwa go sa itseng seemo sa bone sa mogare.
 Mo potsolotsong le mookamela mokgatlho wa Galabgwe, Rre Tebogo Tsheko bosheng, o tlhalositse fa banni ba Zwenshambe ba supile kgatlhego e ntsi thata ya go itlhatlhobela mogare go na le mo mafelong a mangwe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba. 
A re o itemogetse fa batho ba rata go tsisediwa ditlamelo go na le go di latela. 
Rre Tsheko a re ba etse tlhoko gape fa batho ba se na yone nako ya go ikatametsa kwa dikokelwaneng go ya go itlhatlhobela HIV kana gone kwa mafelong a a nang le ditirelo tseo, ka bontsi jwa bone ba bereka mme e bile ba tswa kwa ditirong madirelo a tswetswe.
 A re fa ba atameletsa Batswana ditirelo jaana, motho o kgona go ipha sebaka go tla go itlhatlhoba e ka nna ka nako ya dijo tsa motshegare kana fa a sena tiro e ntsi. O tladitse ka go re mo dipitsong tsotlhe tse ba nnileng le tsone, banni ba Zwenshambe ke bone ba supileng thotloetsego e ntsi ka go tshologa ka dipalo tse di kwa godimo. 
 A re e re ka madirelo a bone a le kgakala le batho, ba ne ba ipeela seelo fela sa go thusa segolo batho ba fera bobedi ka letsatsi, mme a tlhalosa fa ba dira dipitso di tshwana le e, ba tsamaya motse le motsana ba kgona go thusa batho ba feta masome a mabedi ka letsatsi mo e leng gore go a ba itumedisa.
 A re o sa ntse a tshwentswe ke gore o ka re batho ga ba ise ba tlhaloganye mosola wa go itlhatlhoba ka bangwe ba sa ntse ba tshaba le go ka ikitse seemo mme se le diphatsa mo matshelong a bone ka ba ka se itse gore a ba tsoga sentle kana jang.
 O tsweletse ka go re e re le ntswa ba itlamile go thusa Batswana ka botswapelo, ga mmogo le gone go atametsa ditirelo kwa go bone, ba sa ntse ba na le kgwetlho e tona ya ditante tse ba di dirisang go tlhatlhobela batho mo go tsone. 
 A re mo nakong ya gompieno ba na le tante e le nngwe, ka jalo ba a sokola, segolo jang fa batho ba tsile ka bontsi.
 Rre Tsheko a re ba sa ntse gape ba na le kgwetlho ya lookwane. 
A re e re ka mokgatlho wa bone e le o o ikemetseng, ba sokola go bona madi go tshela koloi lookwane go isa ditirelo kwa mafelong a a kgakala le ditlamelo. 
A re ga ba kgone go goroga kwa mafelong a a kgakajana le Masunga.
 A re fa ba ka bona lookwane mathata a bone a nyelela ka ponyo ya leitlho e bile ba ka thusa Batswana ka bokgabane, segolo jang bone ba ba kgakala le ditirelo. 
E rile a tswa la gagwe, Mme Gape Moshabi go tswa kwa Sebina ene a okametse mokgatlho wa bana ba dikhutsana le balwetse a re maitlamo a bone ke go rotloetsa ba ba sa nweng dipilisi tse di ritibatsang HIV sentle, ba ba rutuntsha ka one mosola wa tsone le bodiphatsa jwa go di tlodisa. 
 A re ba tlaa tswelela ba tshegetsa balwetse kwa mokgatlhong wa bone le mo kgaolong ya Bokone Botlhaba go ba nonotsha le go ba sidila maikutlo, segolo jang bone balwetse ba AIDS, kankere le a mangwe a a borai.
 Go ya ka mongwe wa bagakolodi ba ditirelo tsa twantsho-mogare wa HIV mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ka kakaretso, Mme Kushatha Mozoko o tlhalositse fa ene a tshwentswe ke bomme ba ba sa tlhatlhobeng bana ba bone fela jaaka ba laetswe ke ba bongaka, segolo jang bomme ba ba tsenelelang lenaneo la thibelo mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa loseeng lo lo imilweng. 
A re bomma-bana ba ba tshelang ka mogare ba tlhatlhoba bana beke tse pedi tsa ntlha morago ga pelegi ba bo ba iketla ba sa busetse bana kwa dikokelong go ya go tlhatlhojwa gape.
 A re e le mongwe wa ba ba itlamileng go lwantsha seemo sa mogare mo kgaolong ya Bokone Botlhaba o tshwentswe ke ka fa mogare o o tsweletseng ka go jwelelela ka teng le ntswa go na le mafelo a le mantsi a a thusang ka ditirelo tsa itlhatlhobo. O ne a akgola banni ba Zwenshambe go bo ba tsibogetse botsogo jwa bone go itse seemo sa bone sa mogare wa HIV. society 9 Thako mmantswitswidi wa poko A re ke ene kgogomodumo phologolo ya mala a matona, phologolo e e kileng ya tsenelela motse ya o falatsa, ga sala kgosi fela a busa mmu le dinonyane tse pedi. Go ipolela jalo Rre Keolopile Thako wa Bobonong yo e leng mmoki wa maemo a ntlha. Rre Thako o buile mo potsolotsong gore o tswa kgakala e le mmoki. A re lerato la poko mo go ene le tlhotlheleditswe bobe ke ka fa dikgomo tsa gaabo di neng di teilwe maina ka teng, a tlatsa ka gore, e ne e re fa a di fitlhela tlase ga meriti di iketlile, ka fa a neng a bitsa maina a tsone ka teng go ne go mo jesa monate thata. A re ntatemogoloagwe ka fa a neng a reeletse bana ba gagwe maina ka teng, ke gone gape go mo dirileng gore a rate poko. O tlhalositse fa a sale a boka a santse a le kwa sekoleng se sebotlana. Kgabagare a re o ne a tlogela poko go inaakanya thata le dithuto tsa gagwe. O boletse fa e ne ya re go fetsa dithuto tsa gagwe tsa mophato wa botlhano, a inaakanya le ditiro tse dingwe tsa gagwe kwa ntle ga poko. Rre Thako, yo o dingwaga tse di masome a mararo le bone, a re ntswa le fa a ne a ikitse e le mmoki o ne a sa dumele fa a ka kgona go boka motho kana sepe fela fa a le fa gare ga morafe. Mme e ne ya re ka ngwaga wa 2010 fa a dira le ba sepodisi go simolola dithulaganyo tsa dithuto puisano ka dikgang tsa borukutlhi, ga supa fa ba batla mongwe yo o ka natefisang letsatsi. Ka ba ne ba seka ba bona ope yo o ka dirang tiro eo,a re ba ne ba mo kopa go dira sepe fela se se kgatlhang setshaba, ka jalo ene a kgetha go dira leboko. Rre Thako a re morago ga go diragatsa kwa letsatsing eo, bontsi jwa batho ba ne ba mo akgolela tiro e a e dirileng ba bo ba mo gwetlha go inaakanya le poko. Morago ga go dira jalo, o ne a tsena dikgaisano tsa malatsi a ga Tautona tsa dikgaolo ka ngwaga wa 2012 mme a gapa maemo a bobedi. Rre Thako a re o boile sebowabowane ka ngwaga wa 2014 le 2015 a tsaya maemo a ntlha mo dikgaisanong tsa malatsi a ga Tautona tsa dikgaolo. A re ntswa le fa a ise a fetele kwa makgaolakgannyeng a dikgaisano tseo, o tlaa tswelela ka go dira ka natla gore le ene a ipone a phadisana le baboki ba bangwe ba ba itsegeng thata mo Botswana. O supile fa bontsi jwa batho ba Bobonong ga mmogo le dikgosi ba kgatlhegela poko ya gagwe. A re bosupi ke kakgolo e a e boneng morago ga go boka Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama kgwedi ya Sedimonthole ngwaga o o fetileng fa a etetse Bobonong. Morago ga go boka Tautona, o ne a mo leboga ka P6 000 a a neng a a dirisa go reka paka ya poko. O gwetlhie Batswana go tshegetsa ngwao ya bone segolojang puo ka e le yone e ka ba kayang se ba leng sone. Rre Thako o rotloeditse banana go dirisa ditalente tsa bone ka di ka ba isa golo gongwe mo botshelong. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Kgosi o akgola setlhopha sa Mabodisa Motshwarelela bogosi jwa Bakgatla, Kgosi Bana Sekai o akgoletse ba Mabodisa Cluster ka tiro e ntle e ba e diretseng Mme Mmamodidi Kgotlele ka go mo agelela lelwapa. Kgosi Sekai o buile se fa a ne a rola logora lwa lolwapa lwa ga Mme Kgotlele lo lo ageletsweng ka terata ke ba Mabodisa Cluster ka Labobedi mo Mochudi. Kgosi Sekai a re se ke nngwe tsela ya go diragatsa letshego la tebelopele ya 2016 la setshaba se se kutlwelobotlhoko se se ratang tshiamo, se se tlhokomelang batho botlhe. O ne a supa fa go teratelela lelwapa la ga Mme Kgotlele go tsile go kganela leruo le batsamaya ka dinao go lo ralala, ka ba ne ba setse ba tlwaetse go dira jalo. Kgosi Sekai o ne a iteela ba sepodisi legofi mo tirong ya bopelotlhomogi ka ba gatetse pele ka go kopantsha matlhoki a Batswana ka go farologana. O rotloeditse ba Mabodisa Cluster go tshwara ka natla tiro e ntle e ba e direlang morafe ka se e le sekao sa lorato. “Tiro e le e dirileng e supa lerato le mowa wa bopelotlhomogi tswelelang fela jalo le thuse fa le ka kgonang teng,” ga bua Kgosi Sekai. Kgosi Sekai o ne a ba gwetlha go kopa thotloetso mo bagwebing ba ba leng teng mo kgaolong mme ba tlaa arajwa.A re ba seka ba ineela fa ba sa bone thotloetso ka gore Modimo o araba dithapelo mme e bile ba seka ba kgobega marapo. Kgosana Obert Phefo yo o neng a emetse Mabodisa Cluster a re ba ne ba tshwentswe ke go bona batho ba ralala lelapa la ga Mme Kgotlele le leruo le nna mo teng, mme ba tsaya tshwetso ya go thusa ka go agelela lelwapa leo. Kgosana Phefo a re go ne go se motlhofo go reka terata e ka ba ne ba sena thotloetso epe, ba ikaegile ka madi a bone. A re go ba tsere dingwaga tse pedi go kokoanya madi ka ba ne ba sa ikaega mo babereking ba le bangwe, mme ba thapa badiri ba basha morago ga dikgwedi tse tharo. Kgosana Phefo a re e le ba Mabodisa Cluster ga se la ntlha ba dira tiro e.A re ba kile ba agela motlhoki mongwe mo Mabodisa ntlwana ya boitiketso. A re le ntswa ba ne ba sa bona thotloetso epe, o akgolela ba Mabodisa Cluster boineelo jwa bone mo go thuseng morafe le go nna le mowa wa lerato. Mme Kgotlele o ne a tletse boitumelo, a akgolela ba Mabodisa Cluster go bo ba ageletse lelwapa la gagwe. A re se se mo fa seriti. “Le nna ke tlaa tshwana le ba malwapa a mangwe ke tlaa kgona go ipela ka lelwapa la me e bile ga go na fa leruo le tlaa tsenang teng,” a bua a supa boitumelo. Mme Kgotlele a re Kgosana Phefo o ne a tla kwa go ene a mmolelela maikaelelo a bone mme o ne a ba amogela ka diatla tsoo-pedi gore ba mo thuse. A re ka ba ne ba tsaya lebaka go tsenya terata e, o ne a batla go tlelwa ke mowa wa boitlhobogo mme o ne a ba lebogela boineelo jwa bone go mo tswa thuso. society 9 Boitshwaro jwa baithuti bo a tshwenya Barutabana ba sekole segolwane sa Tsabong ba re ba tshwenngwa ke boitshwaro jwa baithuti jo bo sa jeseng diwelang. Mafoko a builwe ke morutabana wa sekole seo ebile e le mokwaledi mo komiting ya batsadi le barutabana (PTA), Rre Tshiamo Orman, mo potsolotsong bosheng. Rre Orman o ne a tlhalosa fa mogokgo wa sekole seo, Mme Segametsi Matlho, a ne a patelesega ke go bitsa phuthego ya batsadi le barutabana ka bonako jo bo kgonagalang fa dikole di bulwa mo pakeng eno, mabapi le go tsibosa batsadi ka seemo seo se sa jeseng diwelang le gone gore batsadi ba tshwaragane le barutabana go buisana le bone go tswa ka ditharabololo mo seemong seo. O ne a tlhalosa fa baithuti bangwe ba sekole seo bogolo jang ba mophato wa boraro ba setse ba nnile le dikgang tsa botlhoko tsebe di akaretsa go inaakanya le ditagi di tshwana le go goga metokwane di le 6, boimana 2 go bonwa kwa marekisetsong a bojalwa bosigo, matlhapa ba le bararo , dintwa 1, bogodu 3 go tlhoka tlotlo le lonyatso mo barutabaneng bangwe, tshenyo ya dikago tsa sekole, boimana le gone go tswenya bana ba bangwe ba re ba ba gorosa sentle mo sekoleng fa bangwe ba tswa fela ka mabaka aa sa itsiweng ba dule ba le bararo. Rre Orman o supile fa seemo seo se ne se ile magoletsa mo ba neng ba tsaya ditshwetso tsa go tswaragana le ba sepodisi ba dikgolegelo,baoki, ba boipelego go kgalemela bana ka botlhoka tsebe go ritibega seemo seo. O kaile fa jo bo gantsi bo dirwang ke bana ba basimane bogolo jang ba ba tsenang sekolo ba tswa kwa malwapeng. Rre Orman o ne a kaya fa dingwe tsa dikgang tse di tshwenyang kwa sekoleng seo e le mewa ee maswe ya “SATANIST’” e e mang tshwenyang bana bangwe a kaya fa e le barutabana ba ne ba tswetso ya go rulaganyetsa baruti ba ba farologanyeng go bebisa seemo ka mafoko aa boitshepo a kgothatso le dithapelo. Morutabana o ne a kaya fa gantsi bana bao ba ba dirang ditiro tse di duleng mo tseleng ba ba otlhaya ka go ba romela magaeng mme morago ga lobaka lo lo rileng ba boele sekoleng, o kaile fa natsi ba sa dirise thupa go otlhaya bana ka ba kile ba kopana le dikgang dinggwe mo gongwe ngwana a neng are o tswenwe ke bolwetsi ka gore o otlhailwe ke morutabana mongwe. A re ka lone letsatsi leo la phuthego eo mogokgo wa sekole seo Mme Matlho o ne gape a lekodisa batsadi gore mo ngwageng oo tlang sekole seo se tla amogela bana ba mophato wa bone e le la ntlha, a tla a ba tsibosa gore ba ipaakanyetse diemo di tswana le tse a di nankotseng , ditlamorago le diphetogo tse gongwe di ka dirwang ke bana ka jaanong ba tla a bo ba le bantsi ka palo. Rre Orman fa a buisana le ba lekalana la dikgang o ne a supile fa ka mo phuthegong eo fa batsadi ba akgwa mogokgo dikgaba ba ne ba swaba dinko go feta melomo mabapi le boitsholo jwa bana ba bone, ba bo ba solofetsa gore ba tla tshwaragana le barutabana ba tla ba re go botlhokwa gore go seka ga akarediwa bana botlhe mo sekoleng seo, mme ba nankole ba ba amegang gammogo le batsadi ba bone gore ba gagamalediwe diphogwana ka go otlhaiwa. Godimo ga moo Rre Orman o kaile gore batsadi ba ne ba leboga thata mogokgo le barutabana ba bagwe ka tekodiso eo, ee sa kgatliseng ya bana ba bangwe ba bo ba o mo kopa go dira jalo le mo nak ee tlang ba kaya fa ba tla leka bojotlhe go bua le bana thata go nna le botho jo bo eletsegang, botlhokwa jwa thuto ka e le bone babusi ba lefatshe leno ba ka moso. BOKHUTLO education 4 O etjwa go sa le gale Mogolwane go tswa kwa lephateng la temo-thuo Rre Bapsy Jibichibi o kopile setshaba go tswa mo dikakanyong tsa gore temo ke ya ba ba tlogetseng tiro ntateng ya bogodi. A re, o itemogetse fa go le gantsi balemi ba tlhwaafalela go lema le go reka didirisiwa tsa temo fa ba sena go tlogela tiro. Rre Jibichibi o buile jalo kwa letsatsing la go ipelela temo la balemi ba Mapatswa bosheng. A re, temo e tshwanetse ya tsewa ka tlhwaafalo fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe gore lefatshe leno le emise go reka dijo di tshwana le mmidi, dinawa le mabele kwa mafatsheng a sele. Balemi ba Mapatswa ke balemi ba ba ikopantseng go tlhabolola temo ya bone mme ba tswa kwa metseng e e akaretsang Makoro, Palapye, Lecheng, Goo-tau, Ratholo, Lerala, Maunatlala, Maokatumo, Matolwane, Tamasane le Topisi. Rre Jibichibi o rotloeditse balemi go lema ka ditselana, a bolela fa mokgwa oo wa go lema o ntsha thobo e ntsi fela thata. O tlhalositse fa go le motlhofo go tlhagola mhero le go laola diji fa tshimo e lemilwe ka ditselana go na le fa go gasitswe. A re, molemi o tshwanelwa gape ke go diga letlhaka fa a sena go roba ka le sala le e nwa metsi a a mo mmung e bile le e ja dikotla mo mmung mme balemi ka bontsi ga ba dire jalo. Rre Jibichibi o rotloeditse balemi go dirisa peo ya mmoulo, a tlhalosa fa e siame ka dijwalo tsa yone di sa gole thata mme seo se thusa gore metsi le dikotla tse di mo mmung di lekane. Rre Jibichibi o rotloeditse ba ba nang le masimo mme ba sa a leme, go adima ba ba nang le kgatlhego ya go lema. A re, balemi ba tshwanetse go nna teng ka nako ya fa ba lemelwa go rurifatsa fa ba ba ba lemelang ba ba lemela sentle. O rotloeditse setshaba go tsena mo temong ka e na le mmaraka o montsi mo lefatsheng leno. Mokhanselara wa Maunatlala Rre Samuel Morebodi o kopile balemi go tsaya dikgakololo tsa go tlhabolola temo ya bone. A re, fa molemi a lema diekere di le tlhano ka ditselana a ka bona thobo e ntsi fela thata. O tsweletse a re, bontsi jwa balemi ba na le letshogo la go fetola go lema ba gasa mme o gateletse gore ba tshwanelwa ke go tswa mo go gaseng ka go isa thobo kwa tlase. Rre Morebodi o akgoletse balemi ba Mapatswa go ipopa go dira mmogo. Mongwe wa balemi ba Serowe Rre Mogalakwe Mogalakwe, o boletse fa temo e le bokamoso mme e bile e ka namola Batswana mo lehumeng. A re, puso e tsile ka mananeo a le mantsi a go tlhabolola temo ya Batswana, mme mananeo ao a tshwanetse a tsibogelwe ka bokete jo bo kgonagalang. O tsweletse a re, nako e gorogile ya gore Batswana ba leme dijwalo tse di tla a ntshang ditlolo tsa moriri gammogo le mafura a a apayang. BOKHUTLO society 9 Banni ba Zoroga ba akgola puso Banni ba Zoroga ba lebogetse mananeo a puso go tlhabolola matshelo le go ntsha Batswana mo lehumeng la nta ya tlhogo. Rre Lebano Sechele wa kgotla yoo Manyebenyebe yo e leng monana, a re le fa letlhoko la ditiro le ile kwa godimo, dikatso tsa Ipelegeng di mo thusitse ka a kgonne go bona ditlankana tsa gagwe tsa sekole. A re ka Ipelegeng e berekwa ke mongwe le mongwe, monana le mogolo, bagolo ba ba iseng ba lekane go tsaya madi a bogodi ba inaakantse le yone go itshetsa. Rre Sechele a re Ipelegeng e botlhokwa, bogolo jang mo metseng e e kgakala le ditlamelo ka mebereko e se kalo. Rre Ketlogetswe Digelang o boletse fa puso e mo thusitse ka e mo tsenyeditse bana sekole ya bo ya mo thusa ka lenaneo la nyeletso lehuma, ka a ne a neelwa dipodi di le lesome le bongwe ka 2014 tse a itshetsang ka tsone. Rre Digelang (52) wa kgotla yoo Sekao o tlhalositse fa Ipelelgeng e le botlhokwa ka Batswana ba le bantsi ba itshetsa ka yone. Mme Sebane Ontebetse (42) wa kgotla yoo Maditsa a re Ipelegeng ke yone ba tshelang ka yone. “Letlhoko la ditiro le ile kwa godimo, banni ba motse ba lebile Ipelegeng fela. Le fa dikatso di se kaekae, ke kgona go ithekala dijo le go ikapesa,” Mme Ontebetse a tlhalosa. Rre Kgosimore Baiphi yo e leng monana wa kgotla yoo Manyebenyebe o tlhalositse fa ka lenaneo la Target 20 000, puso e file banana monyetla wa go ikoketsa dithuto. A re bangwe ba dirisitse lenaneo la back-to-school go tsweledise dithuto tsa bone. Rre Baiphi a re mo godimo ga moo, puso e na le mananeo a a lebaganeng fela le metse ya tennyanateng jaaka bommabontle. A re ka se, banana ba supa ditalente tsa bone mme ba kgone go itshetsa le go tlhabolola matshelo a bangwe ka bone. Tampiwa Masaru yo e leng leloko la komiti ya ditlhabololo tsa kgotla yoo Maditsa o boletse fa Ipelegeng e le yone e tshwereng Zoroga. A re puso e ne ya lemoga fa go le botlhokwa gore e oketse palo ya babereki ba Ipelegeng morago ga gore ba angwe ke dipula tse di neleng ka bokete. A re ba okeleditswe babereki go tswa kwa go 144 go ya kwa go 155. O rotloeditse Batswana go dirisa mananeo go itshetsa a re e seka ya re ba a filwe ba bo ba goga dinao. politics 7 Mapodisi a tlhotlhomisa leso Mapodisi a Maun a tlhotlhomisa tiragalo e rre wa dingwaga tse masome a supa le boraro wa kgotla ya Boseja a fitlhetsweng a tlhokafetse mo sekgweng kwa motsaneng wa Sitatunga ka Labotlhano. Superintendent Chenamo Orateng go ne go kile ga begwa fa rre yo a timetse ka Laboraro wa beke e e fetileng. O tlhalositse fa monna yoo, a ne a ile go batla dikgomo tsa gagwe le bangwe ka ene ba le babedi kwa Shashe kwa ntle ga Maun. Supt Orateng o supile fa go bolelwa fa moswi a ne a timela fa ba tsweletse ka go batla dikgomo. O ne a fitlhelwa mo sekgweng ke mapodisi le setshaba se se neng se boloditse letsholo la patlo mo mosong wa Labotlhano. Superintendent Orateng o tlhalositse fa rre yoo a ne a ragosediwa kwa kokelong ya Letsholathebe kwa ba bongaka ba neng ba tlhalosa fa a tlhokafetse. A re ditlhotlhomiso di tsweletse e bile go emetswe maduo a ditlhatlhobo tsa ba bongaka go bona se se ka tswang se bakile leso la rre yo. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Mmoki o rotloetsa tshomarelo ngwao E re ka tshaba e senang ngwao e le moka e latlhegileng’, tshomarelo ngwao e kailwe fa e le botlhokwa mo go ageng tshaba e e bopaganeng e bile e na le ponelopele. Fa bagolwane ba Kanye ba rotloetsa tshomarelo ngwao ka go gasa molaetsa mo diphuthegong tsa kgotla, go abo go na le monana a ikemiseditse go dira jalo ka poko. Mo potsolotsong le BOPA, mmoki wa monana Rre Edwin Moroka o ne a tlhalosa fa poko mo go tlholegeng e le yone motlobo wa go tshegetsa ngwao. ‘’Poko e re sedimosetsa se re leng sone re le setshaba, re ipela ka poko e le mongwe mokgwa wa go itlosa bodutu le go rutana maele a botshelo,’’ Rre Moroka a tlhalosa. Rre Moroka o boletse fa motho a ka ithuta go le gontsi mo pokong, a kaya fa poko e rotloetsa, e ruta e bile e gakolola, a tlhalosa fa poko e kopanya merafe, le gone go itse kwa ba go tswang e le setshaba. ‘’Re ithuta ka ditso tsa rona re le morafe, re gakologelwa kwa re go tswang e bile poko e rotloetsa tirisanyo mmogo ya merafe,” Rre Moroka a tlhalosa. Go sa le foo, Rre Moroka o tlhalosa fa go le botlhokwa go somarela ngwao ka dipina le meletlo ya setso. “Dipina le meletlo ya Setswana ke tsela nngwe ya go somarela ngwao, fa merafe e kopane e supa ditso tsa bone re ka ithuta thata mo go se, ka jalo ngwao e ka seke ya tsamaya e nyelela,” go bua Rre Moroka. A re poko ke neo e a e abetsweng ke Modimo, ka jalo a bona go le mosola go ikokotlela ka yone, a tlhalosa fa a gwetlhilwe ke go lemoga fa mhama wa poko le ngwao di latlhegelwa ke boleng mo dinakong tsa segompieno. Go le jalo, Rre Moroka o tlhalositse fa bontsi jwa baboki ba segompieno e le baboki ka gore ba bone sebaka sa dikgaisano ba gabile dituelo mme tota e se baboki ba boammaaruri. ‘’Tota baboki malatsi ano ba inaakantse le go dira madi, se se dira gore baboki ba tlhwatlhwa ba lebelwe kwa tlase e bile go bolaya seriti sa poko le yone ngwao, Rre Moroka a bolela. A re o tshwenngwa ke gore beng-gae ga ba somarele ngwao a tlhalosa fa ngwao e tswapolwa ke sesha le tlhabologo e nsti ka jalo batho ga ba e tsee tsie thata. Rre Mokoka yo e reng a ipoka a re ke mmoki wa ‘Setswana sa Mmakgomosaboloko, Morwa Nato a Moroka a Dira a Selomi a Matlwe a Matlhono, Mmina kgomo tshwaana e ditse sesweu,’ o tlhalositse fa a simolotse go boka kwa sekoleng se segolwane sa Mathiba kwa Kanye go fitlhelela a tsena mo go se segolo sa Seepapitso gone kwa Kanye. Rre Moroka a re botsipa jwa go boka o bo amule mo go Rraagwemogolo jaaka a ne a mo reetsa fa a boka dipelesa di lema fa a sa le monnye a kaya fa a ne a rata go boka le dikgomo le dipodi fa di bolola le fa di goroga. E re ka go le botlhokwa go amogana thuto le ba bangwe, Rre Moroka a re o rutuntsha ka ngwao ya Setswana kwa Duma FM, fa e sa le ka 2015 mo thulaganyong ya Sefalana sa Ngwao. O rotloeditse monana yo o nang le kgatlhego ya go nna mmoki go ikopanya le baboki ba ba maleba go mo gakolola. Bokhutlo arts_culture_entertainment_and_media 0 Ngwana wa mosimane o tlhoka kgodiso ya ga rre Mothusa tona wa thuto go tswa kwa moding Rre Thato Kwerepe o supile fa sekole se segolwane sa Badale kwa Mathathane se ka seke se tswalwe ntswa maduo a sone a sa kgatlhe. Rre Kwerepe yo e bileng e le mopalamente wa Ngami, o ne a bua jaana mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa Mathathane bosheng morago ga dingongorego tsa batsadi ba supa fa sekole seo se sa ntshe maduo. Batsadi ba ne ba supa fa bana ba dira sentle go tswa kwa sekoleng se sebotlana mme e re ba tsena kwa go se segolwane maduo a wele tlase, mme ba re ba belaela fa barutabana ba sa dire tiro ka botlalo. Ba ile ba supa fa ba sa tlhole ba na le keletso ya go isa bana kwa sekoleng seo e bile ba bona go le botoka gore se ka tswalwa. Fa a araba matshwenyego a batsadi, Rre Kwerepe o ne a supa fa go ka seka ga nna molemo gore sekole seo se tswalwe ka lebaka la gore motho golo gongwe ga a sa dire tiro. Rre Kwerepe a re go tlhoka batsadi, barutabana le bana ba sekole go tshwaragana go thusana go tokafatsa maduo. O ne gape a tlhomamisetsa batsadi fa puso e ka seka ya letlelela gore bana ba fudusiwe kwa sekoleng seo go isiwa kwa go tse dingwe kwa ntle ga mabaka a a tiileng. Rre Kwerepe o ne a supa fa kwelo tlase ya maduo e tshwenya, ka jalo o ne a bona go le maleba go etela dikole tsotlhe tse di kgolwane lefatshe ka bophara go sekaseka gore seemo se se ka tswa sebakwa ke eng. O ne a supa fa go tlhoka go kopanela bana ba sekole ga batsadi le barutabana e le one mabaka mangwe a a digang boleng jwa thuto. O ne a supa fa puso e tsaya thuto ka tlhoafalo ka e ne ya simolodisa lenaneo la thuto go tswa kwa moding. Go gatelela mafoko a ga tona, modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana kwa Badale, Mme Mokibelo Sejie o ne a supa fa ba tshwentswe ke go sa iponatseng ga batsadi kwa sekoleng fa ba bilediwa bokopano. O supile fa dipalo tsa batsadi ba ba yang pitsong ya sekole di tsena mo seatleng. O ne tlhalosa fa mathata a mangwe e le go tlhoka go duela madi a ditlhabololo a sekole. Mothusa tona o ne a ya go kopana le barutabana ba Badale go ba rotloetsa go dira ka natla ka a ne a setse a kopane le batsadi. society 9 Ditshupo tsa Sherwood di senola botswerere E setse ele ngwaga wa botlhano ditshupo tsa Sherwood di ntse di tshwarwa, maikaelelo e le go supa botswerere ka ditiro tse ba di itlhametseng . Morulaganyi wa ditshupo, Rre Shimane Kgakgala a re ditshupo tse, ke tsa bolesome le bongwe, mme di simologile ka 2015 di tshwarwa gabedi mo ngwageng; mariga le selemo, go rotloetsa bagwebi ba ba botlana. Ditshupo tse, di simolotswe ke Mme Kae Ferguson le Mme Matildah Goosen morago ga go lemoga fa bontsi jwa banni ba kgaolo ya Tswapong e le ditswerere tsa go itirela ka diatla mme go sena kwa ba rekisang di-tsa bone teng. Mono ngwaga, ditshupo tse tsa setlha sa bobedi, ga di a atlega jaaka tsa setlha sa ntlha sa mariga, a re seo go lebega se bakilwe ke go kopana le Labotlhano yo montsho. Rre Kgakgala a re le tsone disupiwa di ne di le boutsana, segolo jang merogo le maungo. O supile fa bontsi jwa banni bo ne bo sa dire gope, ka nako ya go simolodisiwa ditshupo mme go ne go lebeletswe bokgoni le botswerere jwa banni ba Motlhabaneng kwa kgaolong ya Bobirwa ba ba itshetsang ka go loga ditlatlana. Rre Kgakgala o tlhalositse fa ditshupo di ne tsa simologa di le boutsana mme tsa gola le dingwaga mo nakong eno diketemelwang ke metse, ditoropo le beng ba dipolase tsa maungo le merogo. A re ba rotloetsa thata gore disupiwa e nne tse di dirilweng ke motho ka sebele. A re ngogola ba ne ba na le metlaagana ya disupiwa le ba ba rekisetsang mo dikoloing ba ka nna 75 le ka nako ya mariga mono ngwaga, mme a re mo nakong e no ba ne ba solofetsa go nna le metlaagana le ba dikoloi ba ka nna lekgolo. Rre Kgakgala o supile fa letsatsi leo le le botlhokwa, segolo jang mo go ba ba rekang maungo le merogo kwa dipolaseng ka ba abo ba di a tumeditswe. Francistown, Gaborone, Mahalapye, Lerala le Maunatlala ke mengwe ya metse e e neng e na le kemedi. Mongwe wa batsena moletlo, Mme Ogomoditse Phenyo a re o sale a simolotse le moletlo oo ka 2014, mme a supa fa one o atlega mme mo nakong eno o bona o wela tlase ka bonya ka bonya. A re go nna teng ga dikgaisanyo tsa khupelekhupe le metshameko ya bana ke sengwe se se kgothatsang bana go nna teng ka bontsi. O bile a ngongoregela theko e e kwa tlase a re ba ya go boa ba iphotlhere. economy_business_and_finance 3 Banana ba itumelela Ipelegeng Banana ba Hereford kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba akgoletse puso go bo e simolotse lenaneo la Ipelegeng ka le ba thusitse fela thata go tokafatsa matshelo a bone. Le fa ntswa batho ka bontsi ba kgala banana ba ba tseneletseng lenaneo le ba re ke la bagolo, bone ba ne ba seka ba ipona tsapa, ba tswelela fela ka go bereka mo Ipelegeng ka ba bolela fa ba ne ba na le maikaelelo a go ipulela dikgwebo tse di potlana. Mme Kebatlhokile Dikgeleu ke monana wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi, yo o feletseng ka lokwalo lwa boraro kwa sekoleng se segolwane. A re o ne a tshwara tiro ya nakwana kwa Ipelegeng mme e re fa ba sena go atswiwa a bo a baya madi. O tlhalositse fa a simolotse kgwebo ya gagwe ka 2012 a rekisa airtime, dimonamone le digaugau. A re o dirile se ka maikaelelo a go ipulela semausu. mme e rile ngogola a kgona go se bula a rekisa le dijo tota. Mme Kebatlhokile a re se se mo gwetlhileng go simolola kgwebo e gape ke gore mo motseng wa gagwe ga gona kgwebo ya mofuta o , gape a re o ne a direla gore batho ba ba nnang go bapa le bone ba seka ba tsamaya sekgele se seleele ba ya go reka tse ba di tlhokang. A re o batla gore mo dingwageng tse di tlang a bo a setse a na le lebentlele le le bulegile a rekisa dilo tse di dintsi go feta tse a nang le tsone. A re gape a ka rata fa le bone ba ka letlelelwa go phakisa bana ba masiela le dikhutsana, ga seka ga lebelelwa fela mo bathong ba ba nang le mabentlele a matona. O kaile fa a eletsa go ya sekoleng go ya go ithutela go godisa kgwebo. O rotloeditse banana ba bangwe go ema ka dinao go simolola dikgwebo, a tlatsa ka gore fa ba sa thanye ba tla fitlhela balekane ba bone ba gatetse pele. Mme Gouta Gloria Botumile le ene o simolotse kgwebo ya gagwe ka dituelo tsa Ipelegeng. A re ene o ne a bereka dikgwedi tse tharo, morago a ikagela semausu a bo a reka dilo tse a tla di rekisang go simolola kgwebo ya gagwe, mme o supa fa morago a ne a e atolosa ka go rekisa diaparo. O tlhalosa fa a ne a tswala semausu sa gagwe ngwaga ono o simologa ka gore o ne a tsamaya thata jalo go sena ope yo o ka mo salelang le semausu ka o ne a kgarakgadiwa thata ke kgwebo ya diaparo. Mme Gouta a re mathata a magolo a a kopanang le one mo dikgwebong tsa gagwe ke batho ba ba kolotang ba bo ba tsamaela ruri, a re selo se se busetsa kgwebo kwa morago. Kgwetlho e nngwe ke ya letlhoko la sepagamo le tsela e e maswe. A re nako e ntsi o reka dilo tsa gagwe tsa semausu kwa Tsabong kana kwa Jwaneng, mme ditlhwatlhwa tsa dipalamo di kwa godimo fela thata. A re se, se dirwa ke gore go tswa kwa Werda go ya Hereford ga gona tsela e e siameng le batho ba dikoloi ga ba rate go e dirisa ka ba re e ba senyetsa dikoloi. A re ene o rata kgwebo ya diaparo go na le ya semausu ka gore diaparo le fa di sa rekiwe di kgona go nna lebaka le le leele di sa senyege. O boletse fa a rata kgwebo ya gagwe ka gore ka madi a teng o kgonne go duelela bana ba gagwe kwa sekoleng e bile botshelo jwa gagwe bo fetogile ga bo sa tlhole bo tshwana le jwa pele. Mme Gouta a re nako e nngwe o tsamaya mo malwapeng a banni ba motse a bapatsa kgwebo ya gagwe ya diaparo ka a ise a bone lefelo le le siameng go rekisetsa mo go lone. O supile fa a sa tlhole a sokola ka e bile o tlhokomela batsadi ba gagwe. O kaile fa maikaelelo a gagwe a magolo e le go bona a ikagetse kwa setsheng sa gagwe ka mo nakong eno o nna mo lwapeng la batsadi ba gagwe. Mme Botumile o rotloeditse batho ba lefatshe leno go simolola go itirela ka diatla le go tlogela go jela madi mo ganong.BOKHUTLO society 9 Metlobo ya dibuka e thusa go aga bana Metlobo ya dibuka e ka thusa go aga boitsholo jo bo amogelesegang jwa bana. Se se tlhalositswe ke mogolwane wa motlobo wa dibuka wa Thamaga, Mme Kgomotso Gareebine mo potsolotsong bosheng. Mme Gareebine o ne a tlhalosa gore metlobo ya dibuka e kgapha bana go dira ditiro tse di maswe jaaka borukutlhi. O ne a tswelela a tlhalosa gore metlobo ya dibuka ga e sa tlhole e le kwa go balelwang teng fela, mme go na le dilo tse dintsi tse di dirwang, tse di akaretsang metshameko jaaka morabaraba, mokgatlho wa go ithuta go bala le go kwala, letsatsi la dikhompiutara le go tlhaba mainane. O ne a tlhalosa fa dilo tse tsotlhe e le tsone di tsisang kgatlhego mo baneng go tla metlobong ya dibuka. A re le ntswa ba leka ka bojotlhe go ruta bana go dirisa maranyane a dikhompiutara, go sa ntse go na le kgwetlho e tona ya tlhaelo ya dikhompiutara ka jaana bana ba tla ka dipalo tse di kwa godimo. Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosa fa go tla ka dipalo tse di kwa godimo ga bana go ba itumedisa ka ebile mo malatsing a segompieno tiro nngwe le nngwe e tlhokana le botsipa jwa go dirisa dikhompiutara. Mme Gareebine o ne a tlhalosa gore go botlhokwa gore barutabana le bone ba ba thuse go rutuntsha bana go dirisa dikhompiutara. O ne a kgothatsa batsadi go golola bana go ya metlobong ya dibuka, a bo a re bana le bone ba tshwanetse go tsaya dithuto tsa bone ka tlhoafalo, go ipetlela tsela e e siameng ya bokamoso le go ikgapha mo ditirong tsa borukutlhi. Bokhutlo education 4 Ipabalelo tseleng ke ya batho botlhe Balemi - barui ba masimo le meraka e e mo tikologong ya moepo wa Karowe ba gakolotswe go nna le seabe mo ipabalelo tseleng. Kgakololo e, e dirilwe ke mogokaganyi wa setshaba le moepo wa Karowe, Mme Kgalalelo Mokgweetsi kwa bokopanong jwa go ruta le go gakolola bakgweetsi le balemi-barui ba ba dirisang tsela e e yang moepong oo mo bosheng. Bokopano jo, bo ne bo rulagantswe ke ba moepo wa Karowe ba tshwaragane le komiti ya ipabalelo tseleng ya Boteti. Mme Mokgweetsi a re maikaelelo a bone ke go lemotsha balemi-barui ba tikologo ya moepo gore tsela e ba e kopanetse. A re ba gwetlhilwe ke gore balemi-barui ga ba dirise tsela sentle ba tsamaya ka dikotsekara di sa bonale bosigo ga mmogo le dikoloi tse di sa itekanelang, mme se se kgoreletse babereki ba moepo fa ba dirisa tsela bosigo. Mme Mokgweetsi a re ba itlamile gore ngwaga le ngwaga ba kopane le balemi-barui ba buisane ka ipabalelo tseleng. O boletse fa ba tshwenngwa ke dikotsi tsa tsela tse di diragalang mo tseleng e tse dingwe tsa tsone di gapang matshelo. Lepodisi la pharakano mo Letlhakane, Inspector Given Masole o ne a supa fa ba tshwenngwa ke gore badirisi ba dikara tsa ditonki ga ba didirise tsela sentle ba kgweetsa ba iphetisitse dino, gape ba sa golega ditonki sentle, a tlatsa ka go re go dira jalo go ka baka dikotsi. Inspector Masole a re bakgweetsi ba dikara tsa ditonki le bone fela jaaka badirisi ba bangwe ba tsela ba kgona go tshwarwa fa ba kgweetsa ba nole. O ne gape a re ba tshwenngwa ke leruo le le gobeyang mo ditselen,g a supa barui ka monwana gore ga ba tlhokomele leruo. Rre Masole o tlhalositse gore fa kgomo e thudilwe ke koloi mong wa yone o tseelwa dikgato a bo a duela mong wa koloi ditsheyegelo tsa go e baakanya. Mme Keena Kearabile a re ba amogetse dithuto e bile o dumela gore ke boammaruri bangwe ga ba dirise ditsela sentle. crime_law_and_justice 1 Tlhalosi e boloka Setswana Mothusa Tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe a re buka ya Tlhalosi ya Medi ya Setswana e tlaa thusa go somarela puo ya Setswana e e metswang ke dipuo tse dingwe jaaka Sekgoa. Dr Kedikilwe o buile se a sena go amogela buka e mo Gaborone ka Mopitlwe a tlhola malatsi a le Matlhano. E rile a rola Tlhalosi ya Medi ya Setswana, mogolwane wa Medi Publishers, Mme Portia Tshoagong a re tlhalosi, e e kwadilweng ke Professor Thapelo Otlogetswe wa University of Botswana, e tlhalosa mafoko a Setswana a a kwalwang, buiwang le a a dirisiwang mo meopelong. A re e tlhalosa tiriso ya mafoko a Setswana le ditso tsa one. bokhutlo education 4 Banana ba bonya go dirisa mananeo Tona wa lephata la ditsha le matlo, Rre Prince Maele, a re e re ka mmuso o thapolotse letsogo mo go thuseng Batswana ka lenaneo la ISPAAD le LIMID go tlhabolola seemo sa temo-thuo, go mo maruding a bone go tsaya temo-thuo ele kgwebo e ka ba inolang mo lehumeng. A re go kgobisa marapo go bona Batswana, segolo jang banana, ba goga dinao go dirisa mananeo a mmuso le go tsena ka mmetela mo temo-thuong ntswa ele yone e ka tswakanyang itsholelo, go nyeletsa lehuma le go fedisa selelo sa letlhoko la ditiro gammogo le go emisa go ikaega ka go reka dijo kwa mafatsheng a mangwe. Rre Maele yo e bileng ele mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala o buile mafoko a fa ane a simolodisa semmuso letsatsi la balemi barui ba kgaolo ya Mookane, le le neng le tshwaretswe kwa merakeng ya Rankgapane ka Matlhatso le rulagantswe ke Rre Thapelo Setlalekgosi, Rre Thebe Setlalekgosi, Rre Alpheus Mokgadi le Mme Phenyo Nthase. Rre Maele yo a neng a patilwe ke mothusa tona wa merero ya ofisi ya ga Tautona le bodirelapuso Rre Dikgang Makgalemele le mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae Mme Botlogile Tshireletso, a re ere ka Batswana ba sa kgathegele temo-thuo ke sone se letseno la thobo mo dingwageng tsa gompieno le bonang 4 per cent gona le 40 per cent yo a neng a bonwa mo dingwageng tsa bogologolo. O kgothaditse Batswana go tsaya temo-thuo ka thwaafalo le go e tsaya jaaka kgwebo ka ele yone ba ka e dirisang go ntsha dijo tse di lekaneng, go nyeletsa lehuma, letlhoko la ditiro le go tswakanya itsholelo ya lefatshe leno e e ntseng e ikaegile ka ditswa-mmung. A re ere ka lefatshe leno le ikaegile ka temo-thuo, ke sone se mmuso o thusang Batswana ka lenaneo la ISPAAD le lenaneo la LIMID go tokafatsa seemo sa temo-thuo e bile a bolela fa mmuso o abela lephata la banana, metshameko le ngwao madi go rotloetsa banana go simolola dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone le go tokafatsa seemo sa matshelo a bone. Rre Maele o rile ere ka dipula tsa gompieno dina ka boutsana e bile Batswana ba tlhaelelwa ke di dirisiwa tsa temo jaaka diterekere, megoma, dipolantara gammogo le go tlhaelelwa ke lefatshe, batho bangwe ba tsaya seo ele seipatlo sa go gana go lema ntswa motho mongwe le mongwe a beile botshelo jwa gagwe mo dijong. O tsweletse ka go kgotlhatsa le go rotloetsa banana boora Setlalekgosi le boora Mokgadi gotsweng kwa Mookane go tswelela ka go tshwara dithuto tsa go nna jalo ngwaga le ngwaga gore ba kgone go abelana le Batswana ba bangwe dikitso tse di tseneletseng mabapi le go tlhabolola temo-thuo. E rile Rre Setlalekgosi yo eleng mongwe wa barulaganyi ba letsatsi leo a tswa la gagwe a tlhalosa fa maikaelelo a letsatsi leo, le le neng le tsenwe ke balemi/barui go tsweng kwa lefatsheng la Africa Borwa ele go abelana megopolo le dikitso ka metlhale ya go tlhabolola seemo sa temo-thuo. Rre Setlalekgosi o rile lefa ba kgonne go tlhabolola lefelo leo le ba ruetseng mo go lone le e kileng ya nna letlotla la batsadi ba bone,bane ba lebanwa ke kgwetlho e neng ya batla go ba kgobisa marapo fa ba lekgotlana la kabo ditsha la Mahalapye le lekgotla la kabo ditsha la ga mmangwato bane ba gana go ba abela lefatshe leo mo ba feletseng baya go fenya kgang ya bone kwa lekgotleng la ditsheko tsa lefatshe (Land Tribunal). Bangwe ba dibui mo letsatsing leo, le le neng le rotloeditswe ka madi ke ba khamphane ya VIVO ENERGY ke kgosi Gaselemoge Molefhi wa Mookane le mopalamente wa Mahalapye Botlhaba mmaetsho Botlogile Tshireletso yo a neng a akgola botlhe b aba nnileng le seabe mo go rulaganyetseng tiro eo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Magalagala o somarela tikologo ka go dirisa matlakala Puso e tswa kgakala e rotloetsa gore matlakala a ka busediwa mo tirisong go somarela tikologo. Ka jalo, se se ne sa gwetlha bangwe go tsaya seo e le tsela nngwe e ba ka itshetsang ka yone mme ba dirisa matlakala a tshwana le dikhakha, ditsiri, dipampiri, ditshipi le tsone dithaere le mabotlolo tota. Monana wa dingwaga tse di masome mararo le bone, Rre Kutlo Magalagala, o boletse mo potsolotsong gore e ne ya re go lemoga fa a na le bokgoni jwa go dira ka diatla, a inaakanya le go dira mekgabisa e e farologanyeng ka dithaere. O tlhalositse fa a ne a lemoga gape fa kgwebo ya go nna jalo e le bogadi bo gaufi, ka jalo a simolola go e tsaya ka tlhoafalo. Rre Magalagala a re dithaere di gongwe le gongwe ka jaana bontsi jwa batho ba di latlha fa ba sena go tsenya tse disha. Ka jalo, a re o kgobokanya dithaere tse di kgologolo mme a dire dipoto tse di jwalelang ditlhare, dingwe o kgabisa ka tsone kwa dikoleng tsa bananyana. E re ka Setswana se re metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balati, o ne a bona go tshwanela go dirisa dithaere go dira mekgabisa, ditilo le tse dingwe e le tsela nngwe ya go somarela tikologo le gone go itshetsa. A re o reka dithaere tse di onetseng fa tse dingwe a di tsaya kwa lefuting la matlakala mme a dire mekgabisa yotlhe, go tswa fela go re bareki bone ba batla eng. Monana yo o tlwaelesegileng ka go bidiwa Mr Flower Pots, a re o tswa kgakala le tiriso ya dithaere mme e bile o bapatsa kgwebo ya gagwe fa thoko ga tsela gore bareki ba di bone. Go lebega fa monana yo, a sa tsaya fa fatshe, mme se a se amule mo go rragwemogolo yo e neng e le mmetli. Monana yo ke seopedi le sebini, mme ka a ne a lemoga fa se se sa mo solegele molemo, a inaakanya le go itirela ka diatla. E re le ntswa a re kgwebo ya gagwe e a nametsa e bile o a rekelwa, Rre Magalagala a re keletso ya gagwe ke go ipona a godile a na le sepalamo gore a kgone go etela mafelo a a kgakajana go ya go ipapaptsa le go rekisa. Gape o eletsa go gola le go thusa banana ba bangwe ba ba mo mekgwatheng. O ne a supa gape gore o eletsa go dirisa mekgabisa e mengwe jaaka ya matsela gore a tswelele ka go kgatlha matlho a bareki. A re se se nametsang gape ke gore o kgona go thapiwa kwa dikolng tsa bananyana go di kgabisa. environment 5 YDF le LEA di thusitse banana Lenaneo le le thusang banana la Youth Development Fund (YDF) le ofisi ya LEA di kgonne go thusa banana ba le bantsi mo lefatsheng la Botswana le fa itsholelo e ne e supa e wetse tlase. Mo potsolosong bosheng, Mme Mphonyaone Kebadile wa Ghanzi o supile fa a bonye gore ga a kgone go bona tiro ee ka mo tshetsang le mo isagong mme a bona go tshwanela gore a ikopanye le ba lephata la banana go kopa thuso ya madi ka o ne a lemoga fa a na le kitso le keletso ya temo. Mme Kebadile wa dingwaga tse di masome a mabedi le bone, o supile fa a feditse lokwalo lwa boraro (form 3) mme a seka a e tlhoboga mo botshelong. O supile fa a simolotse go bereka mme madi aa ne aa tsaya a ne a sa lekane ditiro tsa gagwe mo lwapeng selo se a supileng se mo gwetlhile go tla ka leano la go ka ipulela kgwebo e e leng ya gagwe. Mme Kebadile yo o tsholetswe ng kwa motseng wa Tsootsha mo kgaolong ya Kgalagadi a re o tsene mo kgwebong ya gagwe ka ngwaga wa 2011 morago ga gore ba Youth Fund ba mo adime madi a a kanang ka P150 000. Ka e le molemi gale, Mme Kebadile o supile fa a simolotse kgwebo ya gagwe sentle a supa fa Mme Mmaagwe a ile a mo fa tema mo tshimong ya gagwe gore a simololele teng kgwebo ya gagwe. Mme Kebadile o supile fa a na le sebaka sa go dirisa metsi a sediba se se mo tshimong ya bone selo se a supileng se mo tsholeditse fela thata e bile se mo tiisitse moko le go feta ka a re o kgonne fela go reka mathombo a a nosetsang le tanka e e bolokang metsi go bolokela dijalo tsa gagwe metsi a a lekaneng letsatsi le letsatsi. O tlhalositse fa a dirisa motshine wa petorolo go goga metsi a a nosetsang selo se a supileng se sa mo turele thata. Mme o supile fa ene e le molemi yo o popota a kaya fa a kgonne go ithekela diaparo tsa itshireletso mo tirong gammogo le melemo le menontshane e e lekaneng temo ya gagwe. A tswelela ka go tlhalosa fa a lema morogo wa rape, chomoliya le cabbage, beetroot, broccoli, tamati, cornflower, mmidi le magapu. Mme Kebadile o supile fa mo ngwageng ono a kgonne go lema mmidi le magapu a mantsi mo a kgonneng go rekisetsa dikolo tse di potlana mo Ghanzi, a re o dirile dipoelo tse di nametsang. O tlhalosa fa a kgonne go thapa banana ka nakwana go mo thusa mo tshimong le go agelela terata mo tshimong ya gagwe ka gore o ne a na le kgwetlho ya go utswiwa ga dijalo tsa gagwe ke magodu ka e ne e le mo seemong se se sa siamang. Mme Kebadile a supa fa ba LEA ba ile ba mo isa sekolong mahala go ithutela tiro ya temo selo se a rileng a se itumeletse fela thata. Mo nakong ya gompieno Mme Kebadile o supile fa kgwebo ya gagwe e godile ebile e setse e amogetse bana ba sekolo se segolo sa BCA go ithuta ka temo ya gagwe. Mme Kebadile o tlhalositse fa ka letsatsi la Horticulture mo Ghanzi bosheng, o ile a amogela batho ba ba farologanyeng mo tshimong ya gagwe go ya go tsaya malebela le go ithuta ka fa a dirang le go kgona kgwebo ya gagwe ka teng. A tswelela ka go supa fa a na le dikgwetlho tsa go utswiwa ga dijalo tsa gagwe ke bangwe ba batho ba a ba thapang go mo thusa mo tshimong le gone gore go tlhoka marekisetso a a lekaneng. Mme Kebadile o supile fa banana ka bontsi, ba kgaolo ya gagwe ba gana go bereka mo masimong ka jalo go thata gore a bone babereki ba ba tshephegileng ebile ba bereka ka natla society 9 Banni ba lela ka tlhaelo ya dingaka Banni ba Hukuntsi kwa kgaolong ya Kgalagadi ba ngongorega ka tlhaelo ya dingaka kwa dikokelwaneng. E rile ba bua mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi banni ba Hukuntsi ba bolela fa tlhaelo ya dingaka e baka kanamo ya malwetse. Mongwe wa ba ba neng ba le mo phuthegong, Mme Goweditswe Bapege, o boletse gore tlhaelo ya dingaka e baka kgolo ya palo ya dintsho ka gore go tlaa bo go bidiwa sefofane go tswa Gaborone go tla go tsaya balwetse go ba isa Princess Marina, mo go tlaa bong gape go tsaya nako e telele. O tlhalositse fa go tlhaela ga dingaka go baka mela e meleele mme go dire gore balwetse bangwe ba felele ba boetse malwapeng ba sa bona thuso e ba neng ba e tlhoka bangwe ba bo ba feleletse ba sa kgone go boela kokelong go ya go kopa thuso. E rile a ba kgwa kgaba, mooki wa kokelwana ya Hukuntsi, Rre William Nkwane, a tlhalosa fa bontsi jwa dingaka di ne tsa fudugela kwa mafelong a mangwe go ya go batla mafulo a matalana, mme lephata le sa ntse le leka go okela ba basha mo kgaolong. O tsibositse banni fa lephata la botsogo le tshwentswe thata ke go nwa bojalo phetelela ga banni ba Hukukutsi. A re go nwa bojalwa mo go feteletseng go dira gore batho ba itlhokomolose ditaelo tsa ba bongaka. Rre Nkwane o kopile banni ba Hukuntsi go nna le tirisano mmogo e e siameng le ba bongaka e bile gape o ba rotloeditse go nna le seabe mo botsogong jwa bone ka go itlhatlhobela malwetse gangwe le gape. BOKHUTLO health 6 Senweng melemo ntleng le taelo Moemedi wa sepatela sa Scottish Livingstone, Mme Setho Babitseng o gakolotse morafe wa Molepolole go emisa mowa go nwa melemo kgapetsa kgapetsa ntleng le taelo ya ba botsogo ka go le diphatsa thata mo matshelong a bone. O buile se bosheng mo phuthegong ee neng e buisiwa ke mothusa tona wa tsa merero ya ofisi ya ga tautona, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri. O supile fa Batswana ba na le mokgwa wa go nwa melemo mengwe le mengwe fela ba sa fiwa taelo ke ba botsogo. O ne a tswelela a tlhalosa fa e bile batho ba a nwa melemo e kgapetsa kgapetsa mo bangwe jaanong ba sa kgoneng go dira sepe ba sa e nwa. Mme Babitseng a re se se borai fela thata ka mo nakong e telele se felela se sentse dikarolo dingwe tsa mmele jaaka sebete. “Ke akaretsa melemo yotlhe fela eleng ya Setswana le ya sekgoa”, ga gatelela jalo Mme Babitseng. Ka jalo o rotloeditse morafe go kopa thuso mo go ba bongaka pele ba tsaya tswetso ya go nwa melemo. O bile a supa gore fa ba simolodisa motho dipilisi segolo jang tsa kgotholo e tona le segajaja le malwetsi a mangwe fela jalo ba na le gore ba sekaseke go bona gore seemo sa sebete sa gagwe se ntse jang. A re dipilisi tse di ritibatsang botlhoko jaaka dipanado le diparacetamol batho ba di nwa fela o kare ba nwa metsi mme dilo tse di le borai fela thata fa di nowa pheteletsa. Mme Babitseng o tsweletse a tlhalosetsa morafe gape gore dino tse di bolelo le tsone di senya dikarolo dingwe tsa mmele mme a gatelela gore bojalwa segolo bogolo Batswana ba bo ikgatholose le jone ka bo le diphatsha fela jalo. O ne a tswelela a lekodisa morafe gore mo sepatela sa Scottish ditirelo le ditlhabololo di ntse di a oketsega ka monokela, a supa gore o bua jaana a tlhlosa gore goi setse tlisitswe bo mankge ba babedi ba malwetse a bana le wa loaro a le mongwe. O ne gape a kopa morafe gore ba itlwaetse go kopa thuso mo dikokelwaneng tse di gaufi le bone pele ba ka ya sepatela mme se se ka thusa go fokotsa mosuke kwa sepatela. Le fa go ntse jalo Mme Babitseng are ntswa ba leka go thusa Balwetse ka bonatla le bonako jo bo kalo ba dikaganyeditswe ke dikgwetlho di le mmalwa. Are metsi le motlakase ga di seo ke mathata tota, a tlhalosa gore dikgwedi tse tlhano tse di fetileng metsi e ntse e le kgwetlho e bile ditiro tse dingwe di ne di ba tlama go ya kwa Sepateleng sa Marina go di dira segolo jang tsa go tlhatswa dikobo. Kwa bofelelong Mme Babitseng o rotloeditse morafe go tseela dikgang tsa botsogo kwa godimo ka jaana di le botlhokwa fela thata. O bile a tlatsa ka gore morafe o ikeetleetse o e go itlhatlhobela mogare wa bolwetse jwa HIV/AIDS health 6 Kgosi Sediegeng o abetse ba sesole kgomo Motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane a re ke tshwanelo ya Batswana go akgola masole a pele a lefatshe leno ka jaana ba dirile go menagane go sireletsa Batswana le lefatshe la bone. Kgosi Kgamane o buile jalo fa a ne a abela mokgatlho wa masole a a tlogetseng tiro ka bogodi mpho ya kgomo e e lopileng dikete tse tlhano tsa dipula kwa Mahalapye bosheng. A re e re ka lefatshe leno le ne le ipelela dingwaga tse di masome mane sesole sa Botswana se ntse se le teng, o bone go le maleba go abela masole ao kgomo e le tsela nngwe ya go ba galaletsa le go ba rotloetsa mo mokgatlhong wa bone o o simolotsweng ka 2008. Kgosi Kgamane a re le ntswa sesole sa Botswana se tlhamilwe ka 1977 e bile se tlhaelelwa ke didirisiwa, se kgonne go itsetsepela mo go sireletseng Batswana le lefatshe la bone kgatlhanong le dirukutlhi tse di neng di ikemiseditse go tshosetsa matshelo a Batswana. E rile a tswa la gagwe, mokwaledi wa mokgatlho, Lt Col Tsoebebe Mokhosa a bolela fa mokgatlho oo o simolotswe ka 2008 ka mogopolo o o neng o tswa mo go Lt Gen. Tebogo Masire yo e neng e le moeteledipele wa sesole sa Botswana ka nako eo. Lt Col Mokhosa o boletse fa maikaelelo a mokgatlho oo e le go tlhotlheletsa mowa wa popagano le tirisano mmogo fa gare ga masole a a tlogetseng tiro ka bogodi le ba ba santseng ba tsweletse le tiro ya sesole ka go abelana maele. A re le fa mongwe le mongwe yo e leng leloko la mokgatlho a na le tshwanelo ya go inaakanya le lekgamu lengwe la sepolotiki, gone ga ba letlelele sepolotiki mo mokgatlhong oo ka jaana se se ka kgaoganya maloko. A re e le maloko ba dumalane go ntshetsa mokgatlho madi kgwedi le kgwedi a a tlaa dirisiwang go tsamaisa ditiro tsa mokgatlho le go thusana mo diphitlhong. E rile Brigadier Olekanye Mabengane a leboga, a akgolela Kgosi Kgamane go nna kgosi wa ntlha mo Botswana go bona go le matshwanedi go akgolela masole a pele tiro e ntle e ba e diretseng Batswana. Brigadier Mabengane o boletse fa se se dirilweng ke Kgosi Kgamane e le go supa lorato le thotloetso mo lekgotleng la bone e bile a bolela fa maikaelelo a bone e le go tswelela ka go ema masole a a mo tirong nokeng. BOKHUTLHO society 9 Phillip Matante East e tlaa tlhopha kgwedi e e tlang Setshaba se itsisiwa fa Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae a ntshitse taelo ya gore go tshwarwe ditlhopho tsa poeletso tsa bokhanselara kwa kgaolwaneng ya botlhophi ya Phillip Mantante East kwa Francistown Borwa. Kitsiso go tswa kwa lekgotleng le le tsamaisang ditlhopho (IEC) e tlhalosa fa bontlhopheng ba kopiwa go isa maina a bone kwa go motsamaisa ditlhopho kgwedi ya Moranang e tlhola gangwe kwa Montsamaisa JSS. Maina a tlaa amogelwa go tswa ka nako ya boferabongwe mo mosong go tsena ka nako ya bongwe motshegare le go tswa ka nako ya masome a mararo a metsotso morago ga nako ya bobedi go tsena ka nako ya botlhano maitseboa. Tlhopho epe e e ka tlhokang go tshwarwa e tlaa nna ka kgwedi ya Moranang e le masome a mabedi le boraro. politics 7 Ba-na-le bogole ba rotloediwa go dirisa mananeo Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Dzoroga mo kgaolong potlana ya Tutume, Rre Keiphang Sechele a re go botlhokwa gore ba-na-le bogole, bogolo jang ba banana ba ikopele mananeo a puso. Mo potsolotsong bosheng, Rre Sechele o supile fa puso e tsweletse ka go ntsha mananeo ka go farologana a maikaelelo a one e leng go tokafatsa matshelo a Batswana, go sa kgathalesege gore ke ba seemo se fe. A re go itshupa fa ba-na-le bogole bangwe ba le maoto a tshupa go ikopela mananeo a. Rre Sechele o ba kgothaditse gore ba seka ba diiwa ke go iteba dipopego kgotsa seemo sa bone, gape a re ba seka ba ipona tsapa mme ba itlhaganelele go tlhaloganya go le gontsi ka mananeo le gone go a ikopela gore le bone ba tokafatse matshelo a bone. O ba gwetlhile gore ba seka ba itlhoboga, a re ba tshwanetse go iphataphatela ka jaana Motswana o rile mokoduwe go tsosiwa o o itekang. Rre Sechele a re fa ba-na-le bogole ba ka tsibogela go ithusa ka mananeo ba bo ba itshimololela dikgwebo tsa go roka, go rua dihutshane le tse dingwe ka go farologana, go ka ba fa sebaka sa gore le bone ba nne le seabe se se bonalang mo go tswakanyeng itsholelo ya lefatshe leno. O tsweletse a re puso e segile tema ya gore ka 2016, Batswana ba bo ba tshela botshelo jo bo kgatlhisang gape bo amogelesega mme a re maikaelelo a, a ka atlega fela fa Batswana ba ka tsibogela dithuso tsa puso, ba bo ba di dirisa ka fa tshwanelong society 9 Lenaneo le akaretsa le badirelapuso Tona ya ofisi ya ga Tautona le bodirela puso Rre Mokgweetsi Masisi, o itsisitse badirela puso gore ba a letlelelwa jaaka mongwe le mongwe go tsena mo lenaneong la go nyeletse lehuma la nta ya tlhogo gore le bone ba tlhabolole matshelo a bone. Tona, yo e bileng e le mopalamente wa Moshupa, o buile jalo fa a ne a tshwere phuthego ya kgotla kwa motseng wa Pitseng mo bosheng. O boletse gore ba ka thusiwa ka go tsenelela dithuto tsa mananeo itshetso mme bas a newe madi ka go re bone ba thapilwe. O boletse fa lenaneo la go nyeletse lehuma la nta ya tlhogo e le la Motswana mongwe le mongwe, go sa kgathalesege gore ke wa maemo afe mo setshabeng. O boletse fa seemo sa lehuma se farologana mo bathong, mme a bolela gore lehuma le lengwe ga le ka ke la nyeletswa mme la nta ya tlhogo lone puso e batla go le nyeletsa ka ponyo ya leitlho. Tona Masisi o boletse fa lehuma la nta ya tlhogo e le le motho a tsogang a sa itse gore o ya go bona sejo kae, a se na le fa a latsang tlhogo teng. O boletse fa Tautona wa lefatshe leno a dirile jalo fa a tsena mo setilong gore mangwe a maitlamo le maikaleleo a gagwe ke gore a lwantshe lehuma la nta ya tlhogo. O boletse gore Tautona o ne a tlhoma lenaneo leo, a bo a le etelelela pele, le mororo go na le dikgwetlho. Tona o tlhalositse gore madi a lenaneo leo a teng, a tlhoka go dirisiwa, go thusa setshaba. O boletse fa mafelo a a neng a babaletswe thata ke lehuma, e le a Kgalagadi, Kweneng Bophirima, Ngami le Okavango, bontsi go amegile ba kwa tennyanateng. O kopile baagi ba Pitseng go inaakanya thata le lenaneo gore ba tswe kwa morago, ba leme merogo, ba rue dipodi le dikoko. A re ga go tlhokege sepe fela, batho ba a sekasekwa ba bo ba fiwa dithuso. O boletse fa tshekatsheko e simololwa pele mo go ba ba mo mophakong gore e re ba siama, ba ntshiwe mo mophakong, ba ikemele ka dinao. O kopile banana le bone go ikitaya ka thupana go akola mananeo a puso gore ba iphire ba bo ba thape batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, baagi ba ngongoregile gore go lema ditshingwana tse di mo segotlong go bokete ka ntlha ya tlhaelo ya metsi. Ba boletse fa bontsi ba sa ntse bo solofeditswe go tla go sekwasekwa. Ba ngongoregile gape ka banana ba ba dipelo dikhutswane ka mananeo le mororo bontsi jwa bone bo sa dire. politics 7 Dirang dipatlisiso ka sethunya - kgosi lick to see more pictures Kgosana wa Maubelo, Rre Ebatlang Mmereki, a re go botlhokwa gore baitseanape ba dire dipatlisiso ka sethunya sa Mmadiholo ka go supafala fa se na le dikotla tse di siametseng leruo. Mo potsolotsong le A re potsanyane e e fulang fa go nang le mmadiholo teng e gola ka pela, mme ebile e itekanetse. Setlhatshana se, se tumile thata mo baruing ba kgaolo e ba go bolelwang fa ba tswa goo-lowe ba se hudisa leruo la bone ka se bolelwa se humile dikotla tse di nonotshang le go atisa ka dipalo tse di kwa godimo. “Ke sejo sa dipodi, diphologolo, le dikgomo mme se tlhoga mariga a simologa ka kgwedi ya Motsheganong se bo se nyelela mo mafulong ka kgwedi ya Phatwe,” ga bua kgosana Mmereki. Sethunya se, se sesweu le lephutshe ka mmala, se kganya thata ka bontsi jwa ditlhare di a bo di setlhafetse ka mariga. A re sethunya se se santse se le teng mme ga go tshwane le pele ka dilo di fetogile. Kgosana a re mmadiholo e bonala fa go nang le lecha teng ka se nna sentsi teng bogolo jang thata ka nako ya dipula tse di namagadi. Se tlhoga fa go leng motlhaba o o sa phatlalang thata. Rre Mmereki a re baitseanape ba tshwanetse ba se kanoke ba bone gore se ka dirisiwa jang go dira dijo tsa leruo tse di nang le dikotla. O tlhalositse gape gore baitseanape ba tsa temo thuo ba tshwanetse ba bone gore se ka lemiwa jang ka gore se mosola thata mo leruong. A re dipatlisiso di tshwanetse tsa dirwa ka setlhatshana se gore go lengwe dintshingwana tsa teng go ntsha maduo a a ko godimo mo leruong. Morui Rre Ketlhopegile Ntau kwa Tsabong le ene a rurifaditse fa mmadiholo e le mmantswitswidi mo thuong ya leruo bogolo jang mo dipuding. A re bogologolo fa a fatlhoga o ne a disa dipudi tsa ga rraagwe mme a ithuta setlhare se, a se ela tlhoko gore fela fa go nna mariga se a tlhoga mme ebile se tswa mo dikabeng, ka fa go nang le pane teng. Rre Ntau, wa dingwaga tse masome a matlhano le boferabongwe o tlhalositse gore setlhatshana se, sena le letswainyana, mme dipodi fa di se ja di nna le mashi a mantsi. Ntswa go ntse jalo, mashi a podi e e fulang mmadiholo a nna le tatsonyana ya letswai e e monate. O gateletse mafoko a ga Rre Mmereki, le ene a re dipodi fa di jele mmadiholo di a nona mme ebile ga di gatelelwe ke leuba le gone gore dipotsanyane di a nonofa. A re se bonwa thata fa pula e ne e nele thata, mme se tswa nako e nngwefela le leungo la naga la kgengwe. A tlatsa ka gore fa dipudi di ja mmadiholo le kgengwe di a tia. A re diphologolo tsa naga di tshwana le ditshephe le tsone di rata go fula mmadiholo ka di dupa ka phefo di bo di mo latela. A tlhalosa gore ke setlhatshana se se ka dirisiwang go dira dijo tsa leruo mme ebile fa podi e anyisa mafatlha a dipotsane e dira jalo e sa sokole ka gore e ntsha mashi a mantsi e bo e di alosa di nonofile. environment 5 Tona o tlhagisa ka bomaja polaelo Tona wa tsa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu o ntshitse matshwenyego ka ga manyalo a go a bong go gabilwe dipoelo dingwe fa gare ga batswakwa le Batswana. Rre Batshu o ne a bua kwa segopotsong sa ngwaga wa bomasome matlhano wa kereke ya Eleven Apostols Healing Spirit kwa Francistown ka Matlhatso. A re baruti ba ba nyadisang mo dikerekeng ba ele tlhoko thata mme ba sireletse Batswana mo manyalong a bo maja polaelo. A re go tle go diragale gore batswakwa ba nyale Batswana gore ba tle ba bone boagedi jwa lefatshe leno le dithoto tsa monyadiwa. Tona a re le gale bangwe ba batswakwa ba nyala ba le mo boammaaruring jwa nyalo. Rre Batshu, yo gape e leng mopalamente wa kgaolo ya Nkange, o boletse gore lephata la gagwe le leka go fokotsa manyalo a papadi, mme le tlaa rola molao kakanyetso o o ikaelelang go a fokotsa mo Palamenteng e e tlang. Go ntse go le foo, Rre Batshu o akgoletse kereke ya Eleven Apostles Healing Spirit go neela borre le bomme marapo ka tekayekanyo mo kerekeng. O boletse gore le fa banna le basadi ba lekalekana mo matlhong a Modimo, dikereke dingwe ga di dumele gore bomme ba ka neelwa marapo a boikarabelo. Mopalamente wa Francistown Borwa, Rre Wynter Molotsi, o ne a bolela gore dikereke di tlhaelelwa ke mafelo a kobamelo. O ne a kopa lephata la ga Rre Batshu le la ditsha le matlo, go batla ditsela tsa go lwantsha seemo seo. Rre Mmolotsi o ne gape a gakolola puso go tlhatlhoba dikopo tsa kwadiso ya dikereke mo go tseneletseng go itsa go di kwadisa ka mmetela. O kopile lephata la tsa pereko le selegae go sekaseka baruti bangwe ba batswakwa, a re bangwe ba bone ba amogile Batswana madi a ba a fufuletseng. Bishop Modisaotsile Mothibi, o ne a tlhalosa gore kereke eo e tlhamilwe ka ngwaga wa 1963, mme ga e iseke e kgaogane fa e sale jalo. A re kereke eo e na le makalana lefatshe leno lotlhe, mme e ntse e dira ditiro tsa bobelotlhomogi di tshwana le go abela batshabi kwa Dukwi diaparo le go fa lefelo la bana la SOS madi le tse dingwe. BOPA society 9 Metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balati - Rakhudu Banni ba Gumare le Nokaneng ba kgothaditswe go batla methale e mengwe ya kgwebo jaaka go rua dinotshi le go dira ditlhophana tsa go dira dikoporase tse di tla ba thusang gore ba rekise dikgomo tsa bone puso e sa ntse e ba batlela mmaraka. Se, se builwe ke Mothusa Tona wa tsa Papadi le Madirelo, Rre Keletso Rakhudu, fa a ne a buisa phuthego ya kgotla bosheng. O tlhalositse fa puso e lela le bone ka seemo sa tlhako le molomo, mme le fa go ntse jalo, go na le methale e mengwe e go ka fenngwang lehuma ka yone. O gakolotse bogolo jang thata banana ba motse le ba ba tseneng dikole gore ba ka dira dikoporase ba bo ba kopa madi mo makalaneng a puso e a ntshitseng go thusa ka madi gore ba nne le matlhabelo a ba tla rekisang dinama tse di farologanyeng kwa go one. O supile fa a tlhaloganya thata fa ba wetswe ke seru, a tlatsa ka gore fa ba ka bona gore ba dira matlhabelo, se se ka thusa gore ba kgone go rekisa dikgomo tsa bone go dira madi. Tona o tlhalositse fa thuo ya dinotshe le yone e ka direla batho madi fa ba kopa madi ba ikgobokantse ka dithlhopha, a tlhalosa fa tswina ele selo se se rekiwang thata, a fa sekai ka tse di mo mabotlolong kwa marekisetsong a a farologaneng a dijo. A re o dumela fa kgaolo ya Okavango ena le dikgwebo tse dintsi, a fa sekai le ka ya koporase ya ditlhapi. Mongwe wa bagwebi mo motseng wa Gumare, Mme Keookeditswe Rangosa o tlhalositse a re megopolo ya ga tona e mentle thata, mme a supa fa a sa jesiwe diwelang ke bodiredi jo bo sa ntseng bo sa fe bagwebi ba ba mo gae ditiro, a re se se kgoba bangwe marapo. Modulasetilo wa khansele potlana ya Okavango, Rre Samson Mauano, o amogetse mafoko a ga tona ka tsoo pedi mme a rotloetsa setshaba go ikitaya ka thupana go dira dikgwebo. A re gangwe le gape go bereka mmogo mo setshabeng sa Botswana go dingalo, mme a kopa morafe gore ba tshwaragane, ba lemoge gore go bo merafe e mengwe jaaka makgoa e tswelela ke gore ba bereka mmogo. O kgadile dikgang tse etlaareng batho ba re ba simolodisa koporase ba bo ba setse ba akanyetsa bosula mme ba ise ba simolole. Kgosi ya Nokaneng Kgosi Malepe Ozoo le ene o ile a rotloetsa morofe wa gagwe go tsaya tsia se tona a tlang ka sone. O kopile morafe wa gagwe gape go tshwaragana le gone go tlhokomela leruo le le gobeyang mo motseng. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Ba eletsa dikgosi di ka okeletswa dithata Banni ba Mokubilo ba re ba batla gore ka ngwaga wa 2036 dikgosi di bo di filwe dithata tsa go laola morafe le kabo ya lefatshe. Ba buile jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke lekoko le le romilweng ke Tautona go tsaya megopolo ee agang tebelopele ya 2036. Kgosi Botshabelo Dijeng a re o eletsa gore dikgosi di fiwe dithata tsa go laola merafe ya metse ya bone, le gore ba nne le seabe mo kabong ya lefatshe le ditlamelo. A tswelela ka gore bana ba rutwe go bua diteme tsa bone kwa malwapeng. Rre Lawrence Chibani a re Batswana ga ba ise ba bopagane ka jaana ba santse ba na le semorafe, a re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse a akola Botswana jwa gagwe. A re gago ise go lekane mo thutong ka jaana go santse go na le Batswana bangwe ba ba sa itseng mosola wa thuto. Mme Boitshwarelo Masole a re tebelopele ya 2016 e boelediwe ka gore dilo di le dintsi ga di a kgonega. A re go tshwanetse ga agiwa motho pele gore a tle a kgone go itlhabolola, a tswelela ka gore Batswana ba tlhaela kitso ka gore ga ba tsene diphuthego tsa kgotla. Mme Catherine a re o eletsa gore ka 2036 thuto e bo e tlhabolotswe go tswa kwa moding, go na le ditlamelo tsa dithuto tsa diatla, metshameko, meopelol e maranyane mo dikoleng tse dipotlana. A tswelela ka gore lehuma le santse le le lentsi le gore batsadi ba rute bana dingwao tsa bone. Mme Baikgantshi Gakethata a re o eletsa gore ka ngwaga wa 2036 Batswana ba bo ba na le bonno jo bo siameng, ba rutegile,a tlatsa ka gore fa bana ba sa pasa ba seka ba fetisiwa fela,le gore batho ba ikanye Modimo. Rre Dendo Masungwa a re tebelopele ya 2016 ga e a kgonega, ga go na ditiro, a re temo le yone e a pala ka lebaka la lewapi, a bo a re thuto e tlhabololwe. E rile fa a soboka megopolo ya bone, Dr Lemogang Kwape a re ba re bogosi bo fiwe dithata tsa go laola merafe ya tsone le go tsamaisa ngwao, ba fiwe ditlamelo, le gore ngwao e simolole kwa malwapeng. Gape ba re ba batla gore ka ngwaga wa 2036 go bo go na le popagano, tekatekano, le gore lefatshe le abiwe ka tekatekano, thuto e tokafadiwe. Gape ba re Motswana o na le seriti fa a na le bonno jo bo siameng, le fa a dule mo lehumeng. Dr Kwape a re ba re ba eletsa gore ka 2036 ba bo ba itshetsa ka temo-thuo le gore tikologo e somarelwe ka go aga matlwana a boitiketso. E rile a leboga lekoko leo, mothusa kgosi wa motse oo, Kgosi Badigeng Resetse a re banni ba Mokubilo ba nnile le seabe mo go ageng tebelopele ya 2036 ka jaana ba ntshitse megopolo ya bone, a re selo se se supa fa puso ya lefatshe leno e na le therisano. Kgosi Resetse a re o eletsa gore ka 2036 barui ba ba botlana ba kopane mme ba agelele mahudiso go leka go hema seemo sa dikgomo tse di gobeyang mo ditseleng tse di bakang dikotsi tsa tsela le gore balemi-barui ba fiwe dithuto tsa temo-thuo. arts_culture_entertainment_and_media 0 Lemang mabele Balemi ba Kgaolo ya Borwa ba kgothaditswe go lema mabele ka bontsi. Go buile jalo Mmabalemisi wa kgaolo eo Mme Sentleeng Maoto kwa moletlong wa go ipelela thobo kwa masimong a Mmalore gaufi le Mmathethe mo bosheng. Are go lema mabele ka bontsi go ka thusa go laola ditlhwatlhwa tsa bopi jwa mabele mo mabentleleng ka jaana a tlaa bo a sa tlhokwe. Ebile o tlhalositse fa mabele a kgona go itshwarelela ka dipatsa di tshwana le gompieno tsa leuba gonale dipeo tse dingwe. Mme Maoto o tlhalositse fa bangwe balemi ba supa fa ba tshaba diji tsa mabele di tshwana le dinonyane mme a gatelela gore fa ba lemile mabele ka dipalo tse dintsi mo thoteng, tshenyo ya dinonyane ga e kake ya nna kalokalo ka jaana di tlaa bo di aname le kgaolo. O supile fa mmaraka wa mabele o santse o le boruma a ba a ba fa maele a gore molemi o ka itshwaraganya le bagwebi ba tshwana le Choppies a ba lemela mabele bone ba dirisa leina la bone go a bapatsa. Mme Maoto gape are ba ka itshwaraganya le bagwebi ba ditshilo gore ba kgone go reka mabele mo go bone selo se a reng se ka ba direla mmaraka.Are go a swabisa gore lefatshe leno le bo le santse le reka dijo di tshwana le mabele kwa mafatsheng a sele lemororo puso e ntshitse mananeo a go thusa balemi jaaka la ISPAAD. Gape o supile fa lephata la Temothuo le ipeetse seelo sa go ntsha selekanyo sa bone sa mabele mo lekgolong lengwe le lengwe(4%) mono ngwaga. Ebile o akgoletse balemi bao go bo ba sa ipona tsapa lentswa pula ene ele boutsana. O tlhalositse fa mofuta wa mabele wa Sephala o kgona go ntsha ditone di le tharo kgotsa dikgetsi di le 60 ka ekere fa go lemilwe sentle ka ditselana. Mo go tse dingwe Mme Maoto o kopile balemi go kwala ditshenyegelo le dipoelo tsa bone gore ba kgone go bona gore a ba gatela pele le gore lenaneo la ISPAAD le tsweletse jang. Erile a ntsha la gagwe modulasetilo wa komiti ya balemi ba Mmalore Rre Koketso Kamodi a tlhalosa fa ba dikile ba sa ipona tsapa le fa ngwaga on oose monamagadi. Mme one a ntsha matshwenyego a gore go tlhoka ditsela tse di bulegileng go ya kwa masimong.Are didirisiwa dingwe tsa boranyane ga di kgone go goroga kwa masimo kantlha ya ditsela tse di sa siamang. Rre Kamodi one a supa gape fa dibanka di le maoto a tshupa go thusa balemi ba ba botlana gonale ba bagolwane. economy_business_and_finance 3 Setlhopha sa mmino se abela sekolo Setlhopha sa Masalela a Bodimo sa mmino wa setso se abetse bana ba sekolo se se potlana sa Sekgoma paka ya sekolo bosheng. Fa a bua mo moletlong wa kabo dimpho, mogolwane wa Masalela a Bodimo, Rre Oberekile Ngande a re ba bonye go tshwanela go re e le banana ba tseye karolo go thusa puso segolo jang ba ba kobo dikhutshwane e bong batlhoki le Masiela. A re ba lemogile fa bana bangwe ba tsena sekolo ba sena paka ya sekolo mme a re se se ba gwetlhile go abela bana ba sekolo seo ba le lesome. Rre Ngande o tsweletse ka gore ba ikaeletse go tsweledisa se ngwaga le ngwaga mme a solofetsa gore ba tla nna ba oketsa palo ya bana ba ba amogelang dithuso tse ngwaga le ngwaga. O tsweletse ka gore ba ikemiseditse go simolodisa go rutuntsha bana ba dikolo tse di potlana mo Maun ka mmino wa Setswana le tse dingwe tsa ngwao ya Botswana jaaka poko, kopelo le maele a Setswana go leka go tsosolosa ngwao kwa moding le go godisa dimpho tsa bone ka go farologana. Rre Ngande o boletse fa e tlaare mo nakong e sa fediseng pelo, ba simolole go lema tshingwana ya morogo mo sekolong seo, e ka yone ba tla rutang bana go lema merogo mme e re morago ba e rekise go thusa bana ba ba dikobo dikhutshwane. Mogolwane mo lephateng la thuto le tlhabololo dikitso mo Maun Mme Didimalang Memo a re o leboga thata go bona banana e le bone ba tsayang boikarabelo go thusa puso go leka go tokafatsa matshelo a batho segolo jang mo thutong ka thuto e le boswa jwa sennela ruri. Mme Memo o tsweletse ka gore go abela bana kapa ya sekolo go tla ba kgothatsa go tsena sekolo sentle, a re paka ya sekolo e dira gore ngwana a nne motlotlo le gore ba nne le lorato la go ithuta. Ka gotwe kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa, Mme Memo o kgothaditse setshaba ka kakaretso go tswelela ka mowa o montle wa neelano, o o renang mo lefatsheng leno go thusa puso go tlhabolola matshelo a Batswana go ya ka bokgoni jwa bone. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa lephata la metako le ngwao mo kgaolong ya bokone bophirima Rre Tshireletso Modikwa a re o akgola Masalela a Bodimo ka tiro e ntle ya go kgatlhantsha matlhoko a batho le go tokafatsa matshelo a tshaba ya Botswana. Rre Modikwa o kgothaditse setshaba ka kakaretso go tswelela ba rutloetsa ditlhopha di tshwana le ya Masalela a Bodimo gore le bone ba kgothale ka se ba se dirang. O ne a gatelela thata gore batsadi ba rotloetse bana ba bone go tsaya karolo mo bodiragatsing go godisa kitso ya bone le bodiragatsi mo lefatsheng la Botswana.BOKHUTLO education 4 Pula e digile matlo kwa Mmashoro Pula e e gosomanyeng bosheng kwa Mmashoro mo kgaolong ya Legare e tlogetse banni bangwe ba sena kwa ba ka latsang tlhogo teng. Barui bangwe ba dikoko le bone ba senyegetswe fela thata morago ga pula e ya selekanyo sa dimmilimithara tse 219. Go ya ka kgosi ya motse oo, Kgosi Opelo Disang, matlo a le masome mane le bofera bongwe a agilweng ka mmu, a gosomantswe ke pula eo. A banni bangwe ga ba kgone go aga matlo a semente mme le fa go ntse jalo, mmu o ba o dirisang ga ba o dire sentle gore o nne thata. A re mangwe a matlo ao ga a rulelwa sentle ka bojang bo ntse bo sa bonale dingwaga tse tlhano tse di fetileng ka ntlha ya go tlhoka pula; ka jalo matlo ao a na kwa godimo, mme a kolobe le kwa tlase, seo se dire gore a phutlhame. Kgosi a re go lebega matlo ao a sa ntse a tla oketsega ka batho ba matlo a mangwe ba seyo go tla go kwadisa kwa kgotleng, mme a kopa batho ba ba amegileng go ikopanya le ba bogosi go tla go ikwadisa ka bofefo. Mo potsolosong le ba lekalana la dikgang kwa Serowe, mothusa molaodi wa Serowe, Rre Onalenna Daniel o tlhalositse fa ba berekisanya le ofisi ya ga mmaboipelego kwa motseng oo go sekaseka seemo go bona ba ba tlhokang go thusiwa, ka dijo di sentswe ke metsi, diaparo le dikobo le tsone di kolobile. Rre Daniel o tlhalositse fa ba kopetse baagi bangwe boroko jwa nakwana kwa sekolong se se botlana sa motse oo. A re le fa bangwe ba ka batla go nna le masika go ka nna molemo ka tota kwa sekolong e se ga lebaka le le leele, a bua jalo a rotloetsa mowa oo wa go kopa mo masikeng fela thata. A re o setse a boleletse ba ofisi ya dibetso tsa tlholego, ba e tla reng mmaboipelego a fetsa tshekatsheko ya gagwe ba ntshe letsogo go thusa ka fa ba ka kgonang ka teng. BOKHUTLO society 9 Lephata le dumetse go aga kamore Makhanselara a kgaolo potlana ya Tutume a boleletswe fa lephata la botsogo le tlaa aga ntlo ya borobalo ya balwetse go araba selelo sa batho ba kgaolo potlana eo. Seo, se builwe ke mothusa mokwaledi mogolo wa khansele potlana, Rre Lawrence Mazinyane fa a araba tshutiso ya mokhanselara wa Tutume Legare, Rre Moseki Mathodi yo o neng a boditse gore ke eng go sa agiwe kamore e e tlaa thusang go fokotsa mosuke kwa matlong a borobalo a balwetse kwa kokelong eo. Rre Mazinyane o tlhalositse fa ba botsogo ba ikaeletse go aga kamore eo morago ga go lemoga fa go aga kokelo go ka tsaya nako e ntsi mme balwetse bone ba sokola. Mokhanselara Mathodi o supile fa ba sa bolo go lela ka borobalo jwa balwetse mme go se nko e e tswang lemina, a re tota seemo sa kokelo eo ga se ba jese di welang gotlhelele, jalo o kopile gore ba botsogo ba se potlakele. Mokhanselara wa Tshwaane/Malelejwa, Rre Richard Sikwane o kopile khansele go aga motshelakgabo mo tseleng ya Sowa/Tshwaane, a tlhalosa gore ka nako ya dipula batho ba kgaolo eo ba a sokola ka bangwe ga ba tseye kalafi ka ditlamelo ka bontsi di le kwa moseja wa motse wa bone. Rre Sikwane a re seemo seo se tshwenya thata gonne ka nako ya merwalela, batho ba felela ba thusiwa ka sefofane sa tlhootomo. Fa a fa bogakolodi, Rre Mazinyane o boletse fa ba itse ka matshwenyego a Tshwaane/Malelejwa, ka jalo khansele ya toropo ya Sowa e ikaeletse go aga motshelakgabo mo nokeng ya Mosetsetshwaane go thusa batho ba kgaolwana eo. politics 7 Ba itumile molomo wa tlase Banana bangwe ba Palapye ba ba neng ba fiwa madi ke puso go itshimololela dikgwebo ka 2012 ba boletse fa ba tla wa ba tsoga le dikgwebo tsa bone gore di seka tsa phutlhama le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho. Fa a bua mo potsolotsong, monana wa kgwebo ya Extra Move Enterprise e e itebagantseng le go kapa ditshwantsho le go dira dikarata tsa manyalo le mananeo a dintsho Mme Paleasa Sono a re dingwe tsa dikgwebo tsa banana ba ba neng ba fiwa madi le bone di tswetswe ka ntlha ya go palelwa ka mabaka a a farologaneng. A re kwa tshimologong kgwebo ya bone e a e kopanetseng le monana yo mongwe Rre Keleabetswe Seepi e e neng e filwe P92 000 e ne e tshwanetse go dira ipapatso ya maranyane a sesha, mme seo sa retela ka ntlha ya go tlhoka kwa ba bayang disupa ditshwantso tse ditona tse di supang tsa ipapatso morago ga go fetogelwa ke ba ba neng ba na le ditumelano le bone. O tlhalositse fa seo se ne sa seka sa ba kgoba marapo, ke ka moo ba ileng ba tswa ka leano la go fetola mogopolo wa kgwebo ya bone mme ba tswa ka wa go kapa ditshwantsho le go tsaya dinepe. Mme Sono a re ba lebanwe ke kgwetlho ya batho ba ba siang ba sa feleletsa dituelo morago ga go ntsha madi a peeletso. O boletse fa ditlhatlhwa tse di kwa godimo tsa khiriso mo mafelong a mo mebolong di baya dikgwebo tsa bone ka fa mosing ka ba patelesa go direla mo mafelong a a iphitlhileng. O tsweletse a re mo bogompienong ba dira madi a a lekaneng go duela khiriso le go busa madi a ba a adimilweng ke puso ba bo ba sala ba iphotlhere ba palelwa le ke gone go ikamogedisa. Le fa go ntse jalo, Mme Sono o tlhalositse fa seo se ka seke se ba kgobe marapo ka tsatsi lepe ka ba tla itepatepanya le dikgwetlho go fitlhelela maikemisetso a bone diragala. O supile fa a itumedisiwa ke gore badiredi ba ofisi ya banana ba tlhola dikgwebo tsa bone kgapetsa kgapetsa mme se se ba tiisa moko. Monana yo mongwe wa kgwebo ya Wadada Services e e dirang matshwao le go gatisa mekwalo ya diaparo Rre Keletso Seretse ene a re, kgwebo ke selo se se thata se se tlhokanang le motho a na le lorato e bile a le pelotelele mogodimo ga moo a iketeile sehuba. O supile matshwenyego a gore bontsi jwa Batswana ga ba tshephe boleng jwa dithoto tsa bone ka jalo ba reka mo dikgwebong tse ditona tse di setseng di itshetletse mme se, se ba baya ka fa mosing. Rre Seretse o ikuetse mo pusong go ba thusa go lwantsha batho bangwe ba ba dirang dikgwebo tse di sa kwadisiwang ka fa molaong ka a dumela fa ba na le seabe mo go sa direng sentle ga dikgwebo tsa bone ka batho ba siela kwa go bone ba batla ditlhwatlhwa tse di kwa tlase. O boletse fa a ka se tlelwe ke mowa wa boitlhobogo ka kgwebo ya gagwe e mo thusa go itshetsa le go ikgapha mo ditirong tsa botlhoka tsebe ka jalo a re o kopa puso go ba thusa go batla mmaraka o o ka rekang dithoto tsa bone. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Banni ba ngongorega ka lekgotlana la kabo ditsha Banni ba Ngware mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba re ba bete se molangwana ka tsamaiso ya lekgotlana la kabo ditsha la Lephepe. Mo potsolotsong Kgosi Kgotla Kobelwane, o supile fa banni ba sale ba lela ka lekgotlana leo la kabo ditsha ka ngwaga tsa bo 2006, ka ba re le na le go abela lefatshe batho ba ba ikopetseng kwa morago, le ikgatholosa dikopo tse di tsileng pele. Kgosi Kobelwane a re ba belaela tshenyetso setshaba ka jaana e setse e le selo modiro, bogolo jang mo peong ya didiba. O kaile fa ba kwaletse tona wa ditsha le matlo go tla go buisa phuthego ya kgotla mo motseng wa bone, e le tsela ya gore a tle go araba matshwenyego a bone. Kgosi o ne gape a supa fa ba sale ba kopile go fudusetswa kwa lekgotlaneng la kabo ditsha la Letlhakeng ka e bile lone le le gaufi le motse wa bone. A re ba tsaya ditlamelo tsotlhe kwa motseng wa Letlhakeng ntle fela le tsa kabo ditsha. Kgosi Kobelwane a re go nna kgakala ga lekgotlana leo gantsi go dira gore balemi ba motse wa gagwe ba seka ba akola mananeo a puso a tshwana le go abelwa dipeo ka nako ya temo ka jaana bangwe ba abo ba tlhokile madi a sepalamo go ya go tsaya ditlankana tsa masimo kwa Lephepe. A re se se kgobang marapo ke gore le fa ba sena go tsamaya sekgala se se kalo go ya Lephepe, ba kgona go tswa ba iphotlhere; go twe inthanete ga a bereke, ka jalo go ka se kgonege gore ba ka thusiwa ka se ba se tletseng. Mo go tse dingwe, kgosi o supile fa bogodu jwa leruo bo le kwa tlase, mme o tshwenngwa ke dintwa tsa mo malwapeng ka ntlha ya bojalwa jo bo nowang phetelela mo motseng. A re go na le kgolo e ntsi ya go thubiwa ga marekisetso a bojalwa; mme go supa fa e dirwa ke bangwe go tswa kwa ntle ga motse. BOKHUTLO politics 7 Dirisang mananeo - Autlwetse Mothusa tona wa lephata la tlhabololo temo-thuo le dijo Rre Kgotla Autlwetse, a re Batswana ba tshwanetse go dirisa mananeo a puso a tshwana ISPAAD le LIMID go ntsha dijo tse di lekaneng le go simolola dikgwebo tse di ka direlang banana ba lefatshe leno diphatlha tsa mebereko. Rre Autlwetse yo e bileng e le mopalamente wa kgaolo ya Serowe Bokone, o boletse mo phuthegong ya kgotla ka Labone (Phalane a le malatsi a le marataro) kwa Dibete fa go ngomola pelo go bona tshaba ya Botswana e sa ntse e ikaegile ka go reka dijo kwa mafatsheng a mangwe ntswa lefatshe leno le na le dingwaga di le masome a matlhano le ntse le ipusa. A re e re ka lefatshe leno le wetswe ke seru sa go wela tlase ga theko ya ditswammung di tshwana diteemane le kopore e bile banana ba lefatshe ba tlhaelelwa ke ditiro, ke sone se mmuso o tsereng tshwetso ya go dirisa bontlha bongwe jwa madi a beilweng kwa mafatsheng a sele go simolodisa mananeo a tshwana le ISPAAD, LIMID le la go rudisa itsholelo ka maikaelelo a go inola Batswana mo lehumeng le go tsweledisa ditiro tse di neng di seegetswe kwa tlhoko ka ntlha ya letlhoko la madi. Rre Autlwetse o rile le ntswa mmuso o dirisa nyelenyete ya madi go rotloetsa Batswana go inaakanya le temo-thuo ka e le yone mokwatla wa botshelo jwa Motswana, o swabisiwa ke gore batho bangwe ba phuaganya masimo le dihutshane tse ba thusitsweng ka tsone go ya go batla mebereko mo ipelegeng. Mothusa tona yo a neng a patilwe ke badiri ba lephata la gagwe go tsweng Gaborone, Serowe le Mahalapye, o tsweletse ka go tlhalosetsa banni ba Dibete fa lephata la gagwe le na le thulaganyo ya go thusa balemi-barui go agelela masimo, go epela balemi didiba kwa masimo fa ba ipopile ditlhopha le go thusa ka ditrerata tse di kgaoganyang masimo le mahudiso. Mo phuthegong eo,banni ba Dibete mo go bone go le Kgosi Lekgatlhanye Mabua le mokhanselara wa kgaolwana eo Rre Patrick Botsang ba ne ba ngongorega ka tlhaelo ya lefatshe le ba ka lemang mo go lone, tlhaelo ya metsi mo motsing, letlhoko la boroko jwa badirelapuso e bile ba ngongorega ka go tlhoka go baakanngwa ga terata ya thibelo matlhoko a loruo kwa Dibete. Ba re go tlhoka lefatshe le ba ka lemang mo go lone go ba rontsha go akola mananeo a puso e thusang Batswana ka one go tlhabolola matshelo a bone e bile ba bolela fa go tlhoka go baakanngwa ga terata e e kgaoganyang dikgaolo tsa gaMmangwato, Kweneng le Kgatleng go tlhotlheletsa bogodu jwa loruo jo go bolelwang bo apesitse barui kobo ka letshoba. economy_business_and_finance 3 Debswana e abetse sekole sa Motsumi madi Debswana e abetse sekole se segolwane sa Motsumi P75 000. Mogolwane wa sekole seo, Mme Monica Molapisi a re ba ya go reka metshine e e ntsifatsang dipampiri. O rurifaditse fa ba ne ba na le letlhoko le letona fa e sale ka ngwaga wa 2012 fa motshine wa bone o o ntsifatsang dipampiri o senyega. A re ba ne ba tshela ka go kopa mo dikoleng tse di gautshwane jaaka Mopipi, Orapa le Ditsweletse mme dinako tse dingwe ba ne ba ya go kopa kwa Serowe le Francistown. Mme Molapise o supa fa letlhoko le, le ne le sa ba robatse ka gore dinako dingwe bana ba ne ba kwala diteko tsa bone ka nako e e sa beiwang fa gongwe ebile di tlosolosiwa, go bakwa ke gone gore ba ne ba kopa dithuso mo dikoleng tse dingwe. Mme Monica Morupisi a re metshine e e gatisang dipampiri e mene mme e kgaogantswe, ka diofisi tse nne. Mogolwane yo a re ba leboga Mma Nthomiwa yo e leng morutabana wa tsa maranyane mo sekoleng sa bone, ka ke ene yo a neng a ba eteletse pele, a ba emetse go tsamaisa dipuisano gare ga Debswana le sekole. Mogolwane wa sekole a re e ne ya re morago ga go reka tse tsotlhe kwa lebentleleng la Canon kwa Francistown ba ne ba salelwa ke dikete tse supa P7 000 tse e eleng gore ba dumelane le lebentlele gore e nne one a ba tlaa a dirisang fa ba batla go baakanyediwa metshine. Mme Molapisi o ne a leboga Debswana go menagane, e bile a re sekole ga se na go dirisa metshine se le nosi, ka gore o itse gore botlhoki bo kae mo kgaolong ya dikole tsa Boteti. A re metshine e tlaa thusa go tokafatsa maduo a bana a sekole, ka jaana gompieno go tlaa bo go sena sepe se ba ka ipatang ka sone,a re sengwe le sengwe se tlaa dirwa ka nako. economy_business_and_finance 3 EFB e abela batlhoki Bakeresete ba diphuthego tse di lesome le bone tsa Evangelical Fellowship of Botswana (EFB) ba diragaditse kopo ya ga Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama ya go abela ba ba dikobo dikhutshwane. Diphuthego tseo di kaile fa di itlamile go diragatsa mangwe a matshego a Tebelopele ya 2016, ba itebagantse thata le la go aga setshaba se se kutlwelobotlhoko e bile se le lorato. Ba ne ba abela batlhoki ba le masome a mararo go tswa mo dikgaolwaneng tse di farologanyeng tsa Kweneng dikobo maabane. Mangwe a maikaelelo a a tlhalositsweng ke komiti ya diphuthego tseo ke go bereka mmogo le setshaba go rapelela borukhutlhi le go tlhoka tsebe ga bana mo motseng le tse dingwe. Fa a amogela diphuthego tseo kwa kgotleng kgolo ya Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III, o boletse gore go le gantsi batho ba ya kwa kgotleng ka dikgang tse di farologaneng e bile di se monate mme ka jalo a atla dikereke go bo di bone go tshwanela go ya go rapela kwa kgotleng. A re go kopana ga dikereke mo go ntseng jalo, go tlisa tsholofelo ya gore Modimo o utlwa dithapelo,a tlhalosa fa a dumela gore mathata a tlaa fokotsega. Kgosi Kgari o rotloeditse dikereke go tswelela di dira tiro eo, a supa fa morafe le one o tlaa itumelela dithuso tseo. Fa a aba dithuso tseo, mothusa molaodi wa Molepolole/Lentsweletau, Mme Ikgopoleng Lekoape o gwetlhile bakeresete go aba, a re ba ba kgonang ba rotloetsege go abela babangwe go lwantsha matlhoki ka go farologana. Mo potsolotsong, mongwe wa ba ba amogetseng dikobo mosetsana yo o dingwaga di lesome wa kgaolwana ya Magokotswane Borwa Lesego Kgopiso, o ne a lebogela thata mpho e a e abetsweng, a tlhalosa fa e tlaa oketsa palo ya dikobo tsa gagwe. Dikobo tseo tse di lopileng P3 900 di ne di abiwa ke dikereke tsa pholoso tse di akaretsang Apostolic Faith Mission, Baptist, Bible religion_and_belief 8 Ba Malolwane ba lebogela Tirelo Setshaba Banni ba Malolwane mo kgaolong ya Kgatleng Botlhaba ba lebogile puso go bo e ne ya simolodisa lenaneo la Tirelo Setshaba. E rile a fa pego ya komoti ya ditlhabololo tsa motse, mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre Isaac Mabiletsa kwa motseng oo ka Labobedi, Rre Mothusi Fikeng, yo e leng modulasetilo wa komiti eo, o tlhalositse fa ba filwe bana ba Tirelo Setshaba ba le lesome le bone ba a tlhalositseng fa ba thusa mo diofising tse di farologaneng mo motseng wa bone. Le fa go ntse jalo, a re ba sa le jaaka ba kopa go tsenyetswa motlakase kwa ntlolohalahala ya motse, a supa fa e le yone e e ka ba tsenyetsang madi. O ne gape a supa fa ba na le kgwetlho fa motlakase o timile kwa kokelwaneng ya bone mme a kopa mopalamente go ba kopela kwa go ba ba lebaneng go ba fa sefetlha motlakase sa lookwane, a tlhalosa ka bodiphatsa jwa go tlhoka motlakase mo matshelong a balwetse. E rile go amogela baeng, Kgosi Esron Bogatsu a supa matshwenyego ka morafe o o neng o sa iponatsa ka bontsi mo phuthegong eo, a tlatsa ka gore morafe o iponatsa mo kgotleng fela ka nako ya kamogelo ya madi ya ba ipelegeng. Mo go tse dingwe Kgosi Bogatsu o ne supa fa go sena mokwaledi mo kgotleng, a tlhalosa fa ele sebaka a ntse a ikuetse mo go mokwaledi-mogolo wa makgotla a Setswana mme nako kgolo ke eno. Kgosi o ne a bolela fa bas a kgone go bereka sentle le gone go tsamaisa ditiro tsa lekgotla ka bofefo jo bo tlhokegang ka tota koloi ya bone e sale jaaka e isiwa kwa CTO (lephata la puso le le baakanyang dikoloi tsa puso) ngwaga o fetileng, le jaana ga ise e goroge. O ne a kopa mopalamente go latedisa gore madiadia a ka tswa a bakilwe ke eng, a tlatsa ka gore se se ba berekisetsa ka fa mosing. Fa a tsibogela matshwenyego a ga kgosi, Mopalamente Mabiletsa o ne a supa fa kgang ya mokwaledi wa kgotla e mo tshwentshe fela thata, a supa fa a kile a ikopanya le mokwaledi wa makgotla a Setswana ka kgang eo. Le fa go ntse jalo, a re o tla latedisa kgang ya teng gape, a tlatsa ka gore fa go sena mokwaledi mo kgotleng tiro ga e tsamae sentle. Mopalamente o ne a lekodisa morafe fa palamente e tla bulwa kgwedi e e tlang e tlhola gane mme e tla tswalwa ka kgwedi ya phatwe go neela bao ba ba emetseng ditlhopho go ipapatsa.BOKHUTLO politics 7 Monna wa legolegwa o tlhokafetse Monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mane le bone wa legolegwa o fitlhetswe a tlhokafetse kwa kgolegelong ya Lobatse, mme go belaesega a ikgapetse botshelo. Mogolwane wa kanamiso mafoko kwa lephateng la dikgolegelo Senior Superintendent Wamorena Ramolefe o rurifaditse se mo potsolotsong bosheng. A re monna yoo o tlhokafetse kgwedi ya Firikgong e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bosupa. Senior Suprintendent Ramolefe a re monna yoo o ne a tshwaretswe molato wa polao, le fa go ntse jalo ditlhotlhomiso tsa mapodise di sa ntse di tsweletse go bona se se bakileng leso. Setopo sa gagwe se kwa kokelong go tlhatlhobiwa ke dingaka le go rurifatsa se se bakileng leso. Ba masika a moswi ba setse ba itsisitswe ka tiragalo e, le gore e tlaa re morago ga ditlhotlhomiso le ditlhatlhobo tsa dingaka ba neelwe moswi go mmoloka. A re moswi o tlholega kwa Tonota kwa kgotleng ya Mmandunyane. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Kgodiso ya ngwana konokono mo thutong Mookamedi wa mokgatlho wa Special Seed Mission, Mme Emmah Goepamang o boletse fa ngwana e le lesedi la bokamoso, ka jalo a tlhoka tlhokomelo le kgodiso e e tsepameng go tswa mo batsading. Fa a bua mo potsolosong morago ga phuthego ya batsadi le barutabana, e e neng e tshwaretswe kwa sekolong se segolwana sa Palapye, Mme Goepamang a re mokgatlho wa gagwe o lemogile fa kgodiso ya ngwana e le namane e kgolo ya tiro e e tlhokang go tshwaraganelwa. O boletse fa maikaelelo a mokgatlho wa bone e le go ruta bana le bagolo ka lefoko la Modimo, go sidila maikutlo le go fa dikgakololo. A re bana fa gongwe ba na le go tlhoka tsebe ka mabaka a a farologaneng jaaka go tshelela mo tikologong e e sa siamang le go tlhoka tlhokomelo e e maleba go tswa mo batsading, mo go felelang go ba dira gore ba itsenye mo diphatseng tsa go nwa majalwa le go dirisa diritibatse.” O ne a tlhalosa gore ke tiro ya batsadi le barutabana go tshwaraganela thuto ya bana, ka gore barutabana ba le bosi ga ba ka ke ba kgona. Mme Goepamang o tlhalosa fa bana ba tshwanetse go rutuntshiwa ka botlhokwa jwa go tsaya dithuto tsa bone tsia. Mongwe wa batsadi, Mme Thatayamodimo Ramokgalo o supile fa le bone e le batsadi ba tshwarisitswe bothata ke maitshwaro a bana a sa siamang a a felelang a baka kwelo tlase ya maduo. O ne a bolela fa lore lo ojwa lo sa le metsi. A re fa batsadi ba sa godise bana ka fa go tshwanetseng ka teng, ba sa rutwe ka maitshwaro a a letlelesegang, ga go na ka fa ngwana a ka golang a na le setho ka teng, ka jalo le bone batsadi ba na le seabe. Gape o ne a kgala batsadi ba ba kgokgontshang bana, a bolela fa bana ba sa abelwa ka go lekana, mme go na le gore motsadi a rotloetse ngwana fa a sa dira sentle, go na le go mo kgobotletsa ka mafoko a tshotlo, mo go ka se keng go thuse ngwana ka sepe. Mme Ramokgalo o ne a supa fa a sa jesiwe diwelang ke batsadi ba ba rekisetsang bana bojalwa le ditagi, a bolela fa seo e le tshenyo ya bokamoso jwa bana, ka e le boikarabelo jwa batsadi go sireletsa bana. O ne a akgola barutabana ka maiteko a ba a dirang go leka go busetsa seemo mannong. A bolela fa ngwana e se wa motsadi a le mongwe mme e le wa batsadi botlhe, ka jalo go le botlhokwa go ba tshwaraganela. Fa a latlhela tlhware legonyana, mogokgo wa sekole se segolwane sa Palapye, Rre Thatayaone Kefilwe o tlhalositse fa sekole se ipeetse seelo sa go oketsa maduo a sekole seo ka masome a marataro le botlhano mo lekgolong. A re ka jalo go tlhoka gore batsadi, barutabana le baithuti ba nne seopo sengwe go kgona seelo se. A re sekole seo, se ntse se sa dire sentle, mme ka 2016, ba tsere 37 A re dikgwetlho tse ba kopanang le tsone ke tsa bana ba ba sa tseneng sekole sentle ka mabaka a tlhokomelo e e sa tsepamang kwa malwapeng, tiriso botlhatswa ya bana ba basetsane e e bakang boimana le go sa tleng diphuthego ga batsadi ka bontsi. Rre Kefilwe a re le fa go ntse jalo, o akgola botsadi go utlwa mokgosi fa ba bileditswe phuthego mabapi le diemo tsa mofuta o o ntseng jaana. O kopile gape gore ba age botsalano le bana ba bone, go bona gore ba ka thusa fa kae mo dithutong, a supa fa thuto ya ngwana e simolola kwa lwapeng, mme e se boikarabelo jwa barutabana a le nosi. education 4 Lehuti le jelwe ke molelo Go tlhagoga ga molelo kwa lehuting la matlakala la Gamodubu ka Labobedi go bolelwa go ne ga kgoreletsa ditiro dingwe tsa letsatsi. Go ya ka mogolwane wa botsogo jwa setshaba mo khanseleng ya Kweneng, Mme Neo Kachana, go ne go ise go lemotshege se se ka tswang se bakile molelo oo. O bile a tlhalosetsa fa babereki e le bone ba lemogileng molelo oo fa ba ntse ba dikologa le lehuti. A re ba ne ba kopa thuso kwa khanseleng ya Gaborone, ba sesole sa Botswana le ba Rural Metro go thusa ka ditima molelo. “Kgwetlho ke gore molelo o simolola kwa tlase, mme fa o tima fa godimo kwa tlase gone o ntse o tshwere fela,” ga tlhalosa Mme Kachana. E re go ntse jalo, bomatipane le bone ba ne ba thusa ka go rora mmu o o neng o tshelwa mo molelong go thusa go kganna go jwelela ga one ko tlase. O ne a bolela fa golo fa molelo o tlhagogileng teng e le fa go latlhelwang dipolaseteke mme molelo o jwelela ka bofefo ka gole phefo. Mme Kachana o bile a kopa batho ba ba olelang matlakala go nna kelotlhoko gore ga ba tsenye thura mo ditankeng tsa matlakala, a re se se ka nna borai le mo go bone ka dikoloi di ka tuka di ntse di tsamaya. O ne a bolela fa dikoloi tse di rwalang matlakala di feta masome a mabedi di ne tsa ema go feta dioura di ka nna nne, a tlatsa ka go re ga ba batle seemo se o ka gore batho ba ka felela ba itlhoboga ba bo ba tshololela se ba se rweleng ko ntle ga lehuti. Mme Kachana o boletse fa ba kile ba nna le seemo sa go tshwana le se ngogola fa gone go o osha letlhakore le go latlhelwang dithaere teng, a bolela fa ditlhotlhomiso di sa kgona go netefatsa se se bakileng molelo oo. Mme Kachana o boletse fa ba tshwenngwa ke seemo sa matlakala a a sa kgaoganngwang ka dikarolo jaaka ditshipi, dipolaseteke, dithaere. A re seo se tlama bodiredi jwa lehuti go felela bo kgaoganya matlakala mme go die ditiro dingwe. Mme Kachana o ne a kopa banni ba Gamodubu le mafelo a a mabapi go ba itshwarela ka jaana seemo se sa laolesege, mme mosi o tswa o le montsi thata. Mongwe wa bagwebi ba ba itshetsang ka go phutha matlakala, Rre Edward Serobi a re go tlhagoga ga molelo go mo amile thata ka jaana a sale a tsene ka nako ya lesome le motso, mme a kgonne go tsena mo lehuting morago ga nako ya boraro mo tshokologong ka jaana lehuti le ne le tswetswe ka nakwana. A re o ne a ikaeletse go ya go tseela batho ba bangwe matlakala, mme a bolela fa seo se tsile go mmaya ka fa mosing. Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Banna ba tshwerwe ka dithoto tse di belaesegang Mapodisi a Mahalapye a tshegeditse borre ba le babedi mabapi le go fitlhelwa ka dithoto tse go belaelwang e le tsa bogodu. Bobedi joo ke Akanyang Nfila wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabobedi wa kgotla ya Madiba kwa Mahalapye le Owen Vambe wa dingwaga tse di masome mane le boferabobedi e le wa letso la Zimbabwe. Babelaelwa ba ba mo kgwebong ya go baakanya dibalamakgolo, ba tshwerwe ka mefuta ya dibalamakgolo ka go farologana kgwedi eno e roba bongwe kwa Mahalapye. Mookamela mapodisi a e seng a seaparo, Superintendent Jimson Baakile, a re ba lomilwe tsebe ke mongwe yo o neng a isitse sebalamakgolo sa gagwe go baakanngwa kwa madirelong a bobedi joo. Babelaelwa ba itshupile kwa lekgotleng la ditsheko kgwedi eno e le lesome le motso go arabela molato wa bogodu. Supt Baakile a re bobedi joo bo supile fa dibalamakgolo tseo di isitswe ke bangwe go baakanngwa mme di santse di le mo matsogong a bone ka gore beng ba tsone ba palelwa ke go di rekolola. Rre Baakile o kopile ba ba utswetsweng dibalamakgolo gore ba ikopanye le mapodisi a Mahalapye go tla go tlhola dithoto tsa bone. O tlhalositse fa go le botlhokwa gore motho a ntshe bosupi go netefatsa fa dithoto e le tsa gagwe. O supile gape gore mapodisi a Mahalapye a tsweletse ka maiteko a go lwantsha borukutlhi mo motseng. Mo mosong wa Labobedi ba ne ba phuruphutsha malwapa a le mane mo motseng, mme beng ba malwapa ao ba fitlhelwa ka dithoto tse go belaelwang e le tsa bogodu. A re ba belaela batho bao e le bontlha bongwe jwa segongwana se se tlhorontshang banni ba Mahalapye ka go ba utswela. Supt Baakile a re go botlhokwa gore morafe o thuse mapodisi go lwantsha borukutlhi. A re borukutlhi jwa go thuba matlo motshegare beng ba ile ditirong bo a tshwenya mo motseng. O kaile gape gore dikgwebo le tsone di tlhorontshiwa ke magodu. O ne a gakolola setshaba ka mosola wa lenaneo la ntebela ke go lebele, ka jalo go le botlhokwa go laela baagisanyi fa go tsawa maeto gore ba sale ba ba tlhokomeletse malwapa. Supt Baakile o tlhalositse gape gore Mahalapye o tshwenngwa ke dikgang tsa go betelela le dintwa tse gantsi di diragalelang kwa mafelong a go rekisiwang nnotagi kwa go one. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Kgosi Thaba o bolokwa ka Matlhatso Kgosi wa pele wa Themashanga kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Kgosi Mabalani Thaba, o tlhokafetse. Kgosi Thaba o tlhokafaletse kwa kokelong ya Nyangabwe kwa Francistown kgwedi eno e le lesome le bobedi. Ngwana wa moswi yo eleng ene kgosi wa Themashanga gompieno, Kgosi Bapaphi Thaba, o boletse fa rraagwe a lwetse ka lebaka. A re Kgosi Thaba o ne a okelwa kwa lwapeng, mme a ya itekodisong kwa kokelong dinako dingwe, a re le ka letsatsi le a tlhokafetseng ka lone o ne a ile itekodisong jaaka gale mme botsogo jwa gagwe jwa tsaya phekelo e sele. Kgosi Thaba o tsholetswe kwa Mapoka ka ngwaga wa 1924. O ne a berekela mo dikhamphaneng tse di farologaneng kwa Aferika Borwa, mme ya re morago a boela gae kwa a neng a simolola go inaakanya le ditiro tsa mo gae, go balelwa le go nna leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse. O ne a tlhongwa kgosi ya Themashanga ka ngwaga wa 1980 go fitlhelela a tlogela tiro ka bogodi ka ngwaga wa 2011. O tlogela mohumagadi le bana ba le lesome le boraro, basimane ba le batlhano le basetsana ba ferabobedi. O tla bolokwa kwa Themashanga ka Matlhatso. health 6 Therisano ka moalo wa lefatshe e botlhokwa Ke tshwanelo gore fa go dirwa moalo wa motse, morafe wa motse o moalo o dirwang mo go one o rerisiwe pele gore le bone ba nne le seabe mo ditlhabololong tseo ka e le tsa sennela ruri. E rile a bua mo thuto-puisanong e e neng e itebagantse le go buisana ka ditsamaiso tsa lefatshe la morafe, raditogamaano tsa lefatshe a lebagane le tsa mealo mo khanseleng potlana ya Palapye, Rre Lekula Lekula a kopa borara le balebeledi ba lefatshe gammogo le morafe go nna le seabe mo mealong ya metse ya bone fa e dirwa gonne fa moalo o setse o dirilwe e bile o amogetswe ke puso ga gona sepe se se ka tlholang se sukunyediwa. O boletse fa morero o o nna teng pele ga moalo o ka dirwa, o neela morafe sebaka sa go supa ka fa ba batlang lefatshe le ka dirisiwa ka teng, le gore ba batla go tlogelela ditlhabololo dife lefatshe fa go dirwa moalo. O supile fa ba dira mealo ya bonno, dikgwebo, madirelo, ditsha tsa tiriso ya ditiro tsa morafe, maphata le tsa temo-thuo gammogo le mafelo a a bulegileng. Mogolwane wa tsa go dupiwa le go potiela lefatshe go tswa Palapye, Rre Mothaka Silas ene o tlhalositse fa go potiela lefatshe go neela ba kabo lefatshe sebaka sa go itse fa melelwane e tsamayang teng e bile go dira gore mealo e akaretse tsotlhe tse di tlhokegang mo mafelong a a potietsweng ao, le gone gore batho ba kgone go nna le teseletso ya tiriso ya lefatshe Rre Silas o kopile borara go rotloetsa batho go kwadisa ditsha tsa bone, a bolela fa seo se thusa mo ditsamaisong tse di lolameng tsa lefatshe le go itse gore lefatshe le le leng teng le selekanyo se se kae e bile le dirisiwa jang ke bomang gammogo le gore a le mo diatleng tsa Batswana jaaka e le tshwanelo. A re o tshwenngwa ke gore bontsi ja ditsha tsa bogologolo ga di ise di kwadisiwe le ditsha tse di sa tlhabololwang e bile di sena mekono , a bolela fa go baka ketsaetsego ka gonne ke tsone tse go bewang fa godimo ga tsone mme go tsose medumo. Mothusa mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Palapye, Rre Pius Nkau ene o boletse gore mo lekgotleng la Ngwato, motho o letlelelwa go nna le ditsha tsa bonno di le pedi fela le tshimo ya selekano sa diekere di le 16 fela mme fa ele ya temo e e tlhakaneng e ka nna diakere di le masome mabedi le botlhano. O tlhalositse fa lesaka lone le sa bewe mme motho a ka dirisa bophara ja 70 x 70 go le aga. Bokhutlo politics 7 Bomme ba kopiwa go emana nokeng Bomme ba phathi ya kganetso ya Botswana Congress Party (BCP) ba kopilwe go ema bomme ba phathi eo nokeng mo ditlhopong tse di tlang. Se, se builwe ke modulasetilo wa komiti ya bomme kwa Mahalapye Botlhaba, Mme Lillian Motshegwa kwa phuthegong ya phatlalatsa ya phathi eo bosheng. Mme Motshegwa a re bomme ke bone batho ba ba tlhophang ka mmetela, ke ka moo kemedi ya bone ya makhanselara le mapalamente e tshwanetse e nne kwa godimo. O rotloeditse maloko bogolo jang bomme, go ema bomme ba bo ntlhopeng nokeng. Fa a tswa la gagwe Rre Moses Gobela, o kopile Batswana ka kakaretso go tlhopa phathi ya bone, a bolela fa ba nale mananeo a motiya a go tlhabolola Batswana. A re, thuto e ba ikaeletseng go efa Batswana fa ba tsena mo pusong, ke e e nonofileng ya go tlhabolola le go naya Batswana lesedi. Rre Gobela a re, thuto e Batswana ba e newang ke puso, ga ena boleng ka e sa ba ise gope. O tsweletse a re, BCP e dumela gore bana ba tshwanetse ba rutwe ka teme ya motsadi wa bone, a tlatsa ka gore moo go tla dira pharologanyo gore bana ba kgone go tlhaloganya mo go tseneletseng fa ba rutwa. Mo go tse dingwe, o ne a bua a sa kgwe mathe a re ke mathabisa ditlhong gore diteme tse di tlholegang mo lefatsheng leno, di bo di sa elwe tlhoko, mme dipuo tsa batswakwa jaaka sefora le sechaena di bo di rutwa kwa mmadikolo. Rre Gobela a re, BCP e ikaeletse go simolodisa thuto ya kitso le bokgoni mo baneng ba sale babotlana, gore ba nne le boitseanape jo bo tseneletseng, e bile ba gola ka jone. A re ka moo, Batswana ka kakaretso ba tla kgona go phadisana le ba mafatshe a mangwe a tlatsa ka gore go tla seke go nne le ngwana ope yo o fetelang kwa lokwalong le le fa godimo a sa dira sentle mo ditlhatlhobong, go itsa gore bana ba bo ba kaila mo mebileng kgotsa ba dira mo lenaneong la Ipelegeng. Rre Ernest Nthobelang yo o neng e le ntlhopeng wa bopalamente mo Botswana Democratic Party wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba, o amogetswe e le leloko mo phating ya BCP, mme e bile e le ntlhopeng wa palamente. Bokhutlo politics 7 Banni ga ba robadiwe ke lebala Banni ba Hukuntsi ba kopile gore lebala la difofane kwa motseng oo le fudusiwe ka jaana le le fa gare ga motse. Ba buile jalo ka Labobedi mo phuthegong ya kgotla e neng e buisiwa ke mokwaledi wa lephata la dipalamo le ditlhaeletsanyo, Rre Kabelo Ebineng, fa lephata leo le isitse ditirelo tsa malatsi a mararo kwa Hukuntsi. Mongwe wa banni, Mme Tsholofelo Gaole, o tlhalositse fa go le lebaka ba ntse ba buisana le bogogi jwa motse ka phudiso ya lebala leo, mme go se nko e e tswang lemina. O tlhalositse fa bontsi jwa banni ba dirisa lebala leo go kgabaganyetsa ka kwa ntlheng e nngwe ya motse ka jaana e le yone tsela fela e e khutshwane go ralala motse. A re lebala leo le mo seemong se se sa itumediseng ka jaana, go sena dipone mo go lone, mme se, se baya matshelo a balwetse mo diphatseng ka jaana, fa go ka nna le seemo sa tshoganetso bosigo sa gore molwetse a ragogesediwe kwa dipateleng tse dikgolwane ka sefofane, go tlile go nna boima go bona thuso ya potlako ka ntlha ya go tlhoka dipone. Mme Gaole a re tebego ya lebala le tikologo ya teng ga se e e itumedisang ka jaana le sa tlhokomelwe sentle. Mme Kegomoditswe Mmesetse yo le ene eleng monni wa Hukuntsi, o ne a itsise mokwaledi gore ba sale tlhoile tsebe ka tekodiso ya go tshelelwa sekonotere mo ditseleng tse di gokaganyang Lokgwabe-Mabuasehube, le ya Hukuntsi-Ncojane. Kgosi Merapelo Tshweneyagae wa Hukuntsi ene o ne a lebogela mokwaledi wa lephata go bo a ba atumeleditse ditirelo, a supa fa go le botlhokwa gore maphata a nne a etela mafelo ka go farologana segolo bogolo a a kgakala le ditlamelo. A re go etela mafelo ka go farologana, go tla a thusa lephata go itshekatsheka go bona gore ba tlhaela fa kae ka ditirelo tsa bone, mme ka dipuisanyo le banni ba fete ba kgone go fetola ditirelo dingwe go nna tsa boleng jo bo eletswang ke batho. Fa a tswa la gagwe, Rre Ebineng, o ne a tlhalosa fa kgang ya phuduso ya lebala la difofane e le teng, mme ka maswabi kago ya lebala le le sha ga e tlhagelele mo lenaneong la ditlhabololo. O supile fa tiego ya kago ya lebala le lesha e le ka ntlha ya tlhaelo ya madi, a tlatsa ka gore kago eo, e tlaa lopa puso P10 million. Rre Ebineng o supile fa lekana la Civil Aviation Authority of Botswana (CAAB) le le mo thulaganyong ya go dira lebala la boleng jo bo rileng le le tla a kgonang go gokaganngwa le borannyane jo bo laolang difofane mo lefaufung. O supile fa CAAB e dira maiteko a go gagamatsa tsa itshireletso ka jaana bangwe ba tswa kwa mafatsheng a sele ba tsena mo lefatsheng leno kwa ntle ga teseletso, mme ba felele ba dira ditiro tsa borukutlhi mo mabaleng a a sa senang boranyane jwa taolo mesepele ya difofane. O ne a tlatsa ka gore kago ya ditsela tsa Hukuntsi-Ncojane le Lokgwabe-Mabuasehube e sena thulaganyo e e tsepameng. Mo go tse dingwe, o ne a gwetlha baeteledipele ba motse go ba ema nokeng ka dinako tsotlhe fa go na le ditiro dingwe tse lephata la bone. A re lephata le lemogile gore bogogi jwa motse le ba-na-le seabe ba bangwe ba ntse ba kgapetswe ntle fa go dirwa ditiro dingwe mo metseng ya bone. Ka jalo, a re seo se fetotswe ka jaana lephata le ikemeseditse go ntsha ditirelo tsa boleng jo bo kwa godimo, ka jalo ba itlamile go tshwaragana le bogogi jwa morafe mo ditirong tsa bone. Rre Ebineng o ne gape a ba gwetlha go dirisanya le bo radikonteraka segolo bogolo ka nako ya fa malwapa mangwe a tshwanelwa ke go sutela ditlhabololo dingwe tse di dirwang mo metseng. A re seemo seo, ke sengwe se o fitlhelang se baka tiego ya gore dikompone di simolole ditiro ka nako e ba e neetsweng, a re mme ebile seo se felela se dira gore tiro e seka ya wela mo lobakeng le e le beetsweng, a tlatsa ka gore le seelo sa madi a a neng a ntsheditswe tiro eo a felela a oketsega. O ne a ba tsibosa gore koketsego ya madi a ga rakonteraka go wetsa tiro e babalela puso ka jaana, madi a motlalaletsa a ka bo a fetiseditswe kwa tirong e nngwe go atolosa ditlhabololo. economy_business_and_finance 3 Keleetse o nwa lenaneo moro lick to see more pictures Go le gantsi Batswana ba tsaya mananeo a puso ntswa ba sena bokgoni jwa go dira tiro e ba e kopelang dithuso mme seo se bake gore dikgwebo kgotsa mananeo a felele a phuthama. Rre Ontaile Keleetse wa dingwaga tse di masome a matlhano le bobedi (52) wa motse wa Thabala o supile gore go dira tiro o na le lorato mo go yone go ntsha maduo a mantle fela thata. Rre yo, yo o simolotseng a sena le fa e le leruo ka ntha ya go nna kobo dikhutshwane a re o ile a kopa thuso mo go ba LIMID go reka dkgomo. A re o ne a sale a nnile le lorato la go ruwa ke ka moo e rileng go utwalela lenaneo la LIMID a tsaya tshono ya go diragatsa toro ya gagwe. Morui yoo a re o ne a thusiwa ka madi a kana ka P12 000 ka ngwaga wa 2010 mme a reka dipodi di le lesome le bobedi le dinku di le thataro . Rre Keleetse o supile fa loeto la gagwe le ne le se motlhofo ka e ile ya re ka ngwaga wa 2013 ba ile ba tlhaselwa ke leuba le le ileng la tlogela diruiwa tsa gagwe di sule ka dipalo tse dintsi go setse dipudi di le tharo le dinku di le tlhano. A re mme ka a ne a na le maikaelelo, ga a ka a letlelela se go mo tsenya boitlhobogo kgotsa go mo kgoba marapo. Bonnyenyane ja dihutshane tse a neng a setse ka tsone, o tlhalositse gore o ile a nna pelotlelele le tsone go fitlhela di atla. A re mo sebakeng sa gompieno o ikgantsha ka dipudi le dinku tsa gagwe di atlileng fela thata ka dipalo tse dintsi ka jaana dipodi le dipotsane tsa tsone tsotlhe di le masome a mane le borataro mme dinku tsone le dikonyana di le masome a mararo le bone. O tsweletse ka go tlhalosa gore go swa ga dihutshane tsa gagwe ke leuba go ile ga mo godisa tlhaloganyo a tlelwa ke mogopolo wa go reka dikgomo a dirisa dipodi tse a nang le tsone ka ebile a sa bolo go eletsa go ipona e le mongwe wa barui ba batona mo kgaolong ya gagwe.. O tlhalositse gore ka dipodi di le nne o ne a reka kgomo e le nngwe, mme mo nakong ya gompieno ke morui yo o nang le dikgomo di le boferabongwe le marole a tsone a le mane. Rre Keleetse a reo itumelela gore o ile a kgona go fitlhelela maitlamo a gagwe a setse a kgonne go reka dikgomo tse le tsone di setseng di atlile. A re lenaneo le la LIMID le mo tswetse mosola fela thata ka jaana e ne e le motho yo o sa berekeng ene le mohumagadi wa gagwe mme ka thuo ya dihutshane tse, o kgonne go tsenya bana ba gagwe ba bararo sekolo a sa sokole mo go ba rekeleng paka ya sekolo le go ba duelela tsotlhe tse ba neng ba di tlhoka kwa sekolong. O tsweletse ka go tlhalosa gore ka e le motho yo o sa yang gope le sekolo,o ikaelela go ngangatlela ka matsogo oo mabedi se puso e mo fileng sone mme ebile mo nakong eno o setse a kgonne go tsenya pompo kwa lwapeng la gagwe, jaanong o na le maikaelelo a go aga ntlo ya bonno. Mo potsolotsong le lekalana la BOPA o tlhalositse jaana a re “Leruo le lame le mphile seriti thata ka le nkitshitse mo lehumeng. Ke ne ke tshela ka go kopa batho mashi mo masimong, re sena le fa e le seshabo.” Rre Keleetse o supile gore le ba ofisi ya LIMID ba itumeletse thata ka fa a dirang ka teng mo ebileng ba supile kgfatlhego le keletso yago batla go reka mo go ene. A tswelela ka supa gore o leboga thata “Puso e ntshitse mananeo a mantsi a tlhokang rona batho go a tsaya go e intsha mo lehumeng, fa o tlhokomela ebile o tsaa ka tlhwaafalo dithuso tse di ka re isa golo gongwe.”ga digela jalo Rre Keleetse a tletse monyenyo a labile leruo la gagwe. BOPA economy_business_and_finance 3 Madi ga a tlhokomele ngwana Mmakaseterata wa Serowe, Mme Mogi Paya o gateletse fa tlhokomelo ya ngwana e se madi jaaka bontsi jwa batsadi bo akanya. O buile jalo kwa pitsong ya botsogo jwa babereki e e neng e rulagantswe ke ba Serowe Administrative Authority bosheng. Mme Paya a re o lemogile fa bangwe batsadi ba ipolelela fa go tlhokomela ngwana e le go ntsha madi, mme go sa nna jalo. O rotloeditse batsadi go baya ditshwanelo tsa bana kwa pele, ba ba fe lorato ka jaana dithoto di se na bokao jo bo kalo. A re go dira jalo ga go na mosola ka ngwana o a bo a sa itumela mo moweng. O tlhalositse fa tlhokomelo ya ngwana e le boikarabelo jwa batsadi botlhe, e seng nkukuagwe, malomaagwe, rakgadiagwe kgotsa ope fela yo e seng motsadi wa nnete. Mme Paya a re o lemogile fa bana ba le bantsi ba ba tlhokomelwang ke motsadi a le nosi ba tshabelelwa ke go nna le mekgwa le maitsholo a a sa letlelesegeng fa ba gola. A re go utlwisa botlhoko go bona motsadi a le mongwe e le ene a sheleketlang a le nosi mo kgodisong ya ngwana fa yo mongwe ene a le koo fela a se na tsapa le mo fisang pelo. O kgothaditse batsadi go tsaya maikarabelo, a re go tlhokomela ngwana go tshwanetse go tswa mo pelong. “Tsenyang letsogo mo matshelong a bana ba lona, supang kgatlhego mo kgodisong ya bana” ga gatelela Mme Paya. O rotloeditse borre gore ba seka ba patelediwa gore ba diragatse boikarabelo jwa bone ka a re motsadi mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le letswalo la gore ngwana wa gagwe kwa a teng o mo seemong se se ntseng jang. Mme Paya a re o lemogile fa dipalo tsa borre ba ba tlhokomelang bana dI le kwa tlase, ka jalo a ba gwetlha gore ba ititee ka thupana. A re kgang ya kgodiso ya ngwana ke ya batho ba le babedi, ka jalo batsadi ba tshwanetse go pataganela go godisa ngwana, go seka ga sekamela mo lotlhakoreng lo le longwe, bogolo jang mo motsading yoo nnang le ngwana. O rotloeditse batsadi gore fa lorato lo fedile, ga goa tshwanela go ama ngwana ka a re o lemogile gore bontsi jwa dikgang tse ba di rarabololang ke tse di diragalang batsadi ba ngwana ba sena go kgaogana. A re bomme go le gantsi fa rre a sa tlhokomele ngwana le bone ba gana ka ngwana fa wa rre a setse a re o batla go mmona, a re go dira jalo ga go a siama ka go rontsha ngwana yo o sa itseng sepe tshwanelo ya go itse motsadi wa gagwe. O kgalemile thata gore batsadi ba emise go ntsha bana setlhabelo mo maratong a bone a a padileng.A re go ngomola pelo go bona ka fa batsadi ba ikgatholosang bana ka teng, ngwana a tsholwa a bo a gole mme motsadi le fa e le go mmona ka matlho, mme a itse fa a na le ngwana. A re se se botlhokwa ke botsalano jwa batsadi botlhe le ngwana. O rotloeditse borre ba ba ikgatholositseng bana go iteka. O tlhalositse fa go duela tshenyo le tlhokomelo ya ngwana e le ditsamaiso tse pedi tse di sa tshwaneng, ka jalo ba borre ba tshwanetse go tlhokomela bana le fa ba duetse tiga lebele. education 4 Babereki ba kopa RASA lick to see more pictures Badirelapuso ba Sowa ba kopile puso go sekaseka gape toropo eo mabapi le lenaneo la Remote Areas Service Allowance (RASA) . Ba boletse se mo phuthegong e e neng e tshwerwe ke mokwaledi mogolo wa ga Tautona, Rre Carter Morupisi . Rre Bishop Molefe a re go bo Sowa a tlhomilwe toropo ke phoso ka ba mo sekakeng e bile ba kgakala le ditlamelo, mme le madirelo a a teng, ditlhwatlhwa tsa dithoto di kwa godimo mo go sa lekaneng madi a ba a amogelang. O ne a kopa puso go sekaseka gape lefelo leo go bona gore a ga le a lebaganwa ke go amogedisa babereki bonnye jwa go berekela kgakala le ditlamelo. Rre Joseph Nlanda ene o ne a leboga maiteko a puso a go leka go direla Batswana mmereko ka lenaneo la Economic Stimulus Programme (ESP).A re kwa Sowa go santse go na le tlhaelo e ntsi ya matlo a boroko le a borutelo kwa sekoleng se segolwane sa Nxakato, a re seemo sa teng se ngomola pelo. Fa a tswa la gagwe, Rre Morupisi o ne a bolela fa a itse ka matshwenyego a toropo eo thata ka e bile le ratoropo wa yone a mo kwaletse lekwalo ka one. O ile a ba tlhalosetsa fa maikaelelo a phuthego ya gagwe e ne e le go ba lekodisa ka lenaneo le le sa tswang go tlhongwa la ESP, le go ba kopa e le badirelapuso go thusana le puso go bona gore lenaneo leo le a diragadiwa e bile le a atlega jaaka go solofetswe. Rre Morupisi a re Botswana jaaka mafatshe a mangwe, o ntse a faraferwe ke mathata a kwelo tlase ya itsholelo ka mohama wa ditswa mmung di tshwana diteemane theko e ntsi e wetse tlase ka jalo seo sa ama ditlhabololo. O ne a gatelela ka gore bone e bile ba sego ka mo kgaolong ya bone go na le meepo e ba e itemogetseng fa mengwe ya yone e tswetswe ka theko e ne e wetse tlase.A re ere ka ESP e itebagantse le mohama wa bojanala mo toropong eo, ba ka dira go le gontsi go oka babeeletsi le go godisa bojanala mo kgaolong eo. BOKHUTLO politics 7 Ba MOCOL 2001 ba thusa bomonnaabone Mogolwane wa sekole sa Moeng College, Rre Sekgele Beleng o kopile setlhopha se se ipopileng sa banana ba ba feditseng sekole ka 2001 go akaretsa baithuti ba pele ba sekole seo, ba mo nakong eno ba atlegileng mo ditirong tse di farologaneng. O buile jalo ka Matlhatso fa setlhopha sa banana bao, se se bidiwang MOCOL 2001 Charity Association, se ne se abela sekole sa Moeng didirisiwa tsa go tlhapa tse di lopileng P19 650. A re banana bao ke sekao mme ka jalo ba tshwanetse go ngokela bagolo ba ba tseneng sekole kwa Moeng mo mokgatlhong gore baithuti ba gompieno ba kgone go ithuta mo go bone. A re ba dirile maiteko a mantsi, a go leka go batla ba ba ka rotloetsang sekole sa bone mo go tsa thuto, ba na le sekao se se maleba jaaka MOCOL 2000, mme maiteko a bone ga a atlege. Mothusa mokwaledi mo lephateng la thuto ya motheo, Rre Simon Coles o ne a rotloetsa baithuti ba Moeng College go tsenya mashetla mo go se ba se dirang. A re gore ba fenye dithuto tsa bone, go tswa fela gore ba tsenya mashetla go le kae, mme ga ba kake ba di fenya fela go le motlhofo, ka jalo ba tshwanetse ba nne le kelelelo. A re baithuti ba malatsi a gompieno ba lebagane le dikgwetlho di tshwana le tsa maranyane, ka jalo ba tshwanetse go itse tse di ba siametseng. Rre Coles o ne a kopa baithuti go tswa mo ditirong tse di duleng mo tseleng, tse ba itseng fa di ka ba tsenya mo mathateng mme ba itebaganye le dithuto, atlatsa ka go re ba tshwanetse go dira ka natla ka thuto e le yone motheo wa botshelo. Rre Coles o ne a supa fa go bo ba tsena sekole kwa Moeng e le tshimologo ya gore botshelo jwa bone bo ya kae, mme go le mo magetleng a bone go bona gore ba bo isa kae. Modulasetilo wa setlhopha sa MOCOL 2001, Rre Kitsiso Sentle o ne a bolela fa maikaelelo a bone e le go thusa bana ba sekole seo mo go tse ba di tlhokang gore ba seka ba kgoreletsega mo dithutong. A re ka ba ne ba tsena sekole kwa Moeng, ba itse dikgwetlho tse baithuti bao ba nang le tsone, ka jalo ba dira le sekole seo go di lwantsha. A re MOCOL 2001 Charity Association e dirisanya le sekole mo go neeleng baithuti maele a gore ba ka dira jang go kgona ditoro tsa bone. Mo potsolosong, mogolwane wa barutabana ba ba itebagantseng le go betla boitshwaro jo bontle mo baneng, Mme Bonnie Maila o ne a bolela fa ba MOCOL 2001 Charity Association ba tsile ka nako e e siameng ka ba arabile selelo sa bone. A re ba na le dikgwetlho, bogolo jang fa baithuti ba boela sekoleng fa dikole di bulwa, ka bangwe ba tla ba se na didirisiwa, melora ya go tlhapa le go tlhatswa. O ne a bolela fa baithuti ba ba thusiwang ke bommaboipelego le bone ba thusiwa. O ne a supa fa a itumeletse thuso e ba e boneng ka e tlaa ba thusa fa baithuti ba na le boot camp, ka ba kgona go ba kganela go ya magaeng fa dikole di tswalwa, gore ba kgone go tsenelela dithuto tseo.BOPA education 4 Mosadi ke thari ya setshaba Mothusa Kgosi Kgolo ya Batlokwa Rre Michael Gaborone o gakolotse bomme go nna sekao ka nako tsotlhe jaaka e le bone thari ya sechaba. Kgosi Gaborone o boletse seo mo potsolotsong le lekalana la BOPA ka Labotlhano (09/01/2015), a supa matshwenyego a bomme bangwe ba ba sa itsholeng sentle bogolo jang ka bontsi jwa bone ba bonwa kwa marekisetsong a bojalwa e bile bangwe ba a nwa go feta borre tota. O tlhalositse fa seemo sa gonna jalo se sa siama bogolo jang ka bana ba ba tswang kwa tlase ba tsaya malebela mo go bomme, a re go botlhokwa go ikgapha le go babalela botsogo le mmele wa motho. Kgosi Gaborone a re bomme kana basetsana ba nwa mo go feteletseng ga mmogo le go tsamaya ba sa apara sentle mo go felelang go ba bakela mathata ka go le gantsi ba bangwe ba feletsa ba thubeditswe gone kwa maitisong a bojalwa. O bolete fa selekanyo se malatsi ano bomme ba nwang ka sone se tshwenya ebile ele mokgwa oo maswe oo tlhabisang ditlhong ga mmogo le kapari e e seng yone ya segompieno. O tlhalositse fa botsogo jwa motho bo tla pele mme ebile mmele wa motho wa mosadi o le motlhofo mo bojalwa jo bo nowang phetelela bo ka felela bo koafatsa kana bo onatsa mmele ka bofefo, a re go botlhokwa go babalela mmele go tshela lobaka lo leleele motho a sena bokowa jwa ditlamorago tsa nnotagi. O tsweletse a tlhalosa fa letlhoko la ditiro le le kwa godimo fela thata bogolo jang mo bananeng mme bontsi jwa banana ga ba gakololwa ba sa reetse mme seo se tshwenya, a re go botlhokwa go tlhatlhelela le go ruta banana go nna le kitso ya go tlhopha dithuto tse kamoso ba ka kgonang go bereka le go bona tiro motlhofo fa ba fetsa kwa dikoleng di akaretsa Mmadikole. Kgosi Gaborone o boletse fa dikgang tsa marato di tshwenya tse mokapelo wa rre a kgokgontshang wa mme ka go moitaya, a re dikgang tseo ba a di atlhola ka go letsa moretlwa mogo yo o dirileng molato mme seo se ntsha maduo. O tlhalositse fa go otlhaya ka moretlwa go tsenya motho mo tseleng mme a kgone go ikgapha go ka boelela molato wa go nna jalo gape, a re go letsa moretlwa ke tsela e e siamemg ya Setswana mme e dira gore motho a kgone a agege abo a itshole sentle. Mo dikganyeng tse dingwe Kgosi Gaborone o boletse fa dikereke tsotlhe tse di neng di iphile tetla ya go tsenela kwa masimomg di ntshitswe morago ga gore banni ba ikuele mabapi le dikereke tseo tse gape di neng di leswafatsa tikologo ya masimo ao, a re dikereke tseo di ne tsa kgalemelwa go tsenela kwa masimo a Mabutswe, Sefoke le a mangwe ka go dira jalo ba roba molao. O tsweletse a tlhalosa fa ka malatsi a boitapoloso gone go sena botlhoka tsebe kwa ntleng ga magodu a ileng a thuba bogolo jang mo matlong a go neng go lemosega beng ba one ba seo mme a tsaya dithuto, a re maitsholo a batho a ne a siame le ntswa bothata e ne e le diletso mo bathong bangwe tse dineng di baka modumo o o feteletseng. Kgosi Gaborone o boletse fa marekisetso a bojalwa a ne a letsa ka nako ka ba Sepodisi ba ne ba beile seemo leitlho a tlatsa ka gore Tlokweng ga se lekeishane ebile modumo o o sa letlelesegeng o se kitla o letlelelwa ka bao ba ba o bakang ka diletso tsa bone ba tla a tseelwa dikgato diletso tsa bone di bo gapiwa. BOKHUTLO society 9 Masisi o ganetsa magatwe Mopalamente wa Moshupa, Rre Mokgweetsi Masisi o boletse fa Tautona Lt. Seretse Khama Ian Khama a fiwa dithata ke molao motheo wa Botswana go tlhopha matona a puso le go a kabakanya morago ga therisano e e tseneletseng. O buile jalo fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Ralekgetho mo kgaolong ya gagwe ya botlhophi. Rre Masisi o boletse fa e rile bosheng tautona a dirisa molaomotheo go bua le ene go dira gore a nne motshwarelela tona wa thuto, fa tona Dr Pelonomi Venson-Moitoi a filwe tiro e e faphegileng ya tsa thuto mme e santse e le tona. Rre Masisi o ganeditse magatwe a batho bangwe ba ba bolelang fa tautona a dirisitse maikutlo a gagwe a sa leba molao motheo e bile a bolela fa ba iphatlha ka diphuka fela, ka tautona a ne a mo rerisa e bile le ene a dumetse go nna motshwarelela tona. O boletse fa maduo a thuto a ntse a le bokoa thata jalo tautona a bona gore sengwe se dirwe go lwantsha seemo se. O ganediste dikgang tsa gore tautona ke mokgokgontshi, a bolela fa tautona e le motho wa morero. Le fa gontse jalo, Rre Masisi o boleletse banni fa ba tshwanetse go tshwaraganela thuto ya bana ba bone le barutabana, a bolela fa thuto e simolola kwa lwapeng. O ba rotloeditse go fa bana ba bone lerato, ditlamelo tsotlhe tsa botshelo le go boifa Modimo. O boletse fa puso e tshwentswe thata ke bana bangwe ba dikole ba ba dirisang ditagi mme ba tlhapetse barutabana le go inaakanya le ditiro tse di maswe tsa borukutlhi. A re puso e lwa ka gotlhe go tokafatsa thuto mme e ka kgona fela ka kemo nokeng ya batsadi. Le fa gontse jalo, Tona Masisi o tlhaloseditse banni ka melao mengwe e e fetisitsweng kwa palamenteng e e fetileng, go balelwa wa nyalo wa tlhakanelo dithoto le wa batswakwa bangwe ba ba ka belaelwang gore ba borai mo lefatsheng morago ga ditlhotlhomiso gore jaanong go batliwa gore tona wa lephata leo e nne ene a bayang monwana gore motho wa sebopego seo a kobiwe mo lefatsheng, go na le gore go saene tautona jaaka gone go dirwa. E rile ba mo kgwa kgaba, banni ba itumelela gore monongwaga ba tsile go ora molelo wa mariga ka gonne ba kgonne go lema, ntswa sebe sa phiri ele leruo le le senyang mo masimong ka beng ba lone ba sa le tlhokomele. Ba ngongoregile thata ka badisa, ba bolela fa ba diiwa ke go nwa bojalwa ba lesa leruo le senya mo masimong. Banni ba lebogetse mananeo a puso ba bolela fa a ba thusitse go inamola mo lehumeng le le neng le ba aparetse. Ba boletse fa batho ba ba bolayang ba bangwe ba tshwanetse go tlhatlhelwa mme ba seka ba fiwa sebaka sa go letela tsheko kwa ntle, ba supa fa ba tla a itseela molao mo diatleng fa ba bona motho wa mofuta oo. Tona Masisi yo o tsamayang a buisa diphuthego tsa kgotla mo kgaolong ya gagwe ya botlhophi a bo a tsaya megopolo le go ba rolela ka tsa palamente e e fetileng, o ne a etela dikgwebo dingwe tse di filweng batho ka lenaneo la nyeletso lehuma. BOKHUTLO politics 7 Tlhaelo ya dihutshane e dia banni go akola lenaneo Mananeo a puso a nyeletso lehuma a tsisitse tsholofelo mo malwapeng ka bontsi. Bangwe ba ne ba tletse ka monyenyo gore jaanong matshelo a bone a tlaa phatsima, mme go lebega dilo di sa tsamae jaaka bontsi bo ne bo eleditse. Banni ba Nlapkhwane mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, ba tlhalositse mo potsolotsong bosheng fa ditoro tsa bone di fifala ka bonya ka bonya segolo jang baikopedi ba lenaneo la dipodi la LIMID. Mongwe wa baikopedi, Mme Kulekani Muchumaeli, yo o dingwaga tse di masome a mabedi le boferabongwe o tlhalositse fa a ne a ikopetse go thusiwa ka dihutshane ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Phalane. A re morago ga gore kopo ya gagwe e atlege, o ne a fiwa lekwalo la gore jaanong a rwale ditlhako go batla dihutshane. Mme Muchumaeli yo o neng a solofetse go le gontsi mo thuong e, o tladitse ka gore o setse a tlelwa ke mowa wa boitlhobogo ka a tlhokile dihutshane mo motseng wa gaabo ga mmogo le e e mabapi. A re lekwalo leo le mo tlhaloseditse gape fa kopo ya gagwe e mo fa sebaka sa dikgwedi tse thataro e seng jalo ga a na go bona thuso eo. O tsweletse a re karabo e a e fiwang ke barui, ke gore dipodi mo nakong ya gompieno di a lwala ka jalo ba ka seke ba kgone go mo rekisetsa mme jaanong a sa itse gore tsela pedi o tsaya efe ka tota a sa batle toro ya gagwe e fifala mo matlhong a gagwe. A re o na le bana ba le bane mme e bile o ne a ikaeletse go ba beela ntlo ka matsana a a neng a tlaa a bona mo thuong ya gagwe. Mme Muchumaeli yo o dirang mo lenaneong la go thusa go lwantsha borukutlhi a re ga a bone boroko ka a setse a sa tlhole a itse gore tota dihutshane o ka di bona kae. E rile a tswa la gagwe, Mme Ivy Motshosi, yo le ene a setseng a sa itse gore a tshware kae a re thuo ke selo se a tswang kgakala le sone. A re o goletse mo lelwapeng la balemi-barui mme jaanong letlhoko la dihutshane le lone le tlaa phirimisa ditoro tsa gagwe tsa go nna molemi-morui jaaka batsadi ba gagwe. A re maikaelelo a gagwe e ne gape e le go tokafatsa itsholelo ya gagwe mme seo ga se tsamae jaaka a ne a eleditse. Mme Motshosi a re o ne a ikopetse dihutshane tseo ngwaga o o fetileng mme e bile o tshogetse gore ka kgwedi ya Mopitlo ngwaga o o tlang, fa e le gore o tlaa bo a ntse a ise a bone dipodi tseo kopo ya gagwe jaanong e tlaa bo e sa bereke mme a tshwanelwa ke go ikopela sesha le ntswa a sa itse gore karabo o tlaa e bona leng ka baikopedi ba setse jaanong ba le bantsi. Kgosi Mukani Mudongo wa Nlapkhwane o tlhalositse fa tlhaelo ya dihutshane e dia lenaneo go gola ka bontsi bo santse bo ise bo bone dipodi tse ba di kopileng. A re mo motseng wa gagwe baikopedi ba lenaneo le ba feta lesome mme matshwenyego a gagwe ke gore ba ya go bona kae dihutshane ba le palo e ntsi jalo. Kgosi Mudongo o tlhalositse fa ditoro tsa ba le bantsi di tla fifala ntateng ya letlhoko la dihutshane, bangwe nako e ba e beetsweng e setse e atamela mme ba ise ba bone dithuso. economy_business_and_finance 3 Bogodu jwa leruo kwa Dikwididi bo a tshwenya Barui ba kopilwe go tlhokomela leruo la bone segolo jang dikgomo ka di utswiwa thata. Kwa thuto-puisanong e e neng e rulagantswe ke ba sepodisi sa Kgatleng bosheng kwa Dikwididi , mookamela lephata la mesepele le boagedi, Rre Mabuse Pule a re fa barui ba sa eme ka dinao go lwantsha bogodu jo, dikgomo di tla fokotsega. O tsweletse a re puso e ikaegile ka thuo ya dikgomo thata ka jalo e dule ka methale ya go lwantsha bogodu jo. Rre Pule o supile fa mo kgaolong ya Kgatleng ditshekatsheko di supile gore ka 2012 go nnile le dikgetse tsa bogodu jwa dikgomo di le 88 mme ga utswiwa di le 256, ka 2013 di nnile 73 , ga utswiwa di le 194 a tlhalosa fa ngwaga ono o simolola go ema ka kgwedi ya Phatwe go nnile le dikgetse di le 49 mme go setse go utswilwe dikgomo di le 228. O boletse fa dipalo tseo di le kwa godimo fela thata mme a re fa barui ba sa eme ka dinao go lwantsha seemo seo, ba tla sala ba iphotlhere. O tsweletse a re bogodu jwa dikgomo bo bontsi thata mo merakeng ya Kgoba-seretse, Mashibitshwane le Mabolaelo mme barui ba tshwanetse go thusa mapodise go bo lwantsha gonne nako tse dingwe badisa ba na le seabe mo go jone. Rre Pule a re barui ba tshwanetse go ikopanya go dira mekgatlho e le tsela ya go lwantsha bogodu jo bo gomagometsang go nyeletsa dikgomo tsa bone gonne seo se tla ba thusa go itse se se diragalang mo merakeng ya bone. O tlhalositse fa kgang e nngwe e e tshwenyang ele ya dikgomo tse di thulwang ke dikoloi mo ditseleng, tse a reng di tsaya lobaka di le fa di thuletsweng teng beng ba sa di tseye. Fa a tswa la gagwe, Senior Superintendent Moreri Batlhomile go tswa kwa lekalaneng le le itebagantseng le go utswiwa ga leruo, o tlhalositse gore keletso ya bone ke go bona barui le ba-na-le seabe botlhe ba bereka ba le seopo sengwe le mapodise go lwantsha borukutlhi jo. O kopile barui go tshuba le go tshwaya dikgomo tsa bone ka go ka thusa mo ditlhotlhomisong fa di utswilwe. O tlhalositse fa dipalo di supa fa dingwaga tse tharo tse di fetileng go setse go utswilwe dikgomo di le 10 445 lefatshe leno ka bophara, a tlhalosa fa ba lemogile gore bontsi jwa bogodu joo bo diragala thata fa go senang tlhokomelo teng. O tsweletse a kopa barui go netefatsa gore ba tlhokomela badisa ba bone nako tsotlhe gore le bone ba tlhokomele diruiwa tsa bone sentle. Rre Batlhomile o ba kopile go nna ba tsibosa mapodise ka dikgomo tsa matimela gonne barui bangwe ba na le go nna fela ka leruo le ntswa motho a itse gore ga se la gagwe. Mogolwane yo o okametseng sepodise sa Kgatleng, Rre Seabe Maboka a re o tshwenngwa ke gore palo ya barui ba ba tseneng thuto-puisanong eo e kwa tlase ntswa e le yone nako ya gore ba tle go ntsha matshwenyego a bone, jalo a ba kopa go nna ba tsibogela dipitso tsa mothale o.Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Ba gakololwa go ikgapha go tsamaya bosigo Bomme ba gakolotswe go ikgapha mo go tsamayeng bosigo ba le bosi ka se se le borai thata mo matshelong a bone.Kgakololo e e dirilwe ke mogolwane wa mapodisi a Kanye Superintendent Kealositse Konyana mo potsolosong le BOPA beke eno. Supt Konyana a re seemo se se tshwenya mapodisi thata ka jaana gantsi bomme fa ba tsamaya ba le bosi bosigo ba felela ba kopana le dilalome tse di felelang di ba amoga ditsabone le go itseela dikobo ka dikgoka mo go bone. A re ka mafelo a beke e e fitileng mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le botlhano o ne a tlhaselwa ke banna bangwe ba le batlhano fa maemelong a di palamo a BG mo Kanye mme ba mo keteka, ba bo ba mo amoga mogala wa lotheka, ditlhako le madi aa ka tshwarang Five hundred Pula morago ba itseela dikobo ka dikgoka mo go ene ka go mo dirisa ba mo fapaanela ebile ba sa dirise sekausu ( condom). Supt Konyana a re tiragalo eo e diragetse ka nako ya bongwe maphakela, a tlhalosa fa dilalome tseo di ne tsa gogela mme yoo kwa malwapeng mangwe a a sa nneng ope gone fa BG mme ba feta ba dira tiro e e masisi eo, a re mme yoo o tlhalositse fa a ne a tswa tirong mme a ya kwa goora Tshweneyagae. Mookamela mapodisi o tlhalositse fa ba tshegeditse monna a le mongwefela wa dingwaga tse di ka tshwarang masome a mabedi le botlhano wa kgotla ya Mafhikana mo Kanye mabapi le tiragalo eo go thusa mapodisi ka ditlhotlhomiso, a re fa e ka re ditlhotlhomiso di wela a bonwa molato o tlaa lebisiwa molato wa petelelo. Supt Konyana are e ntse ele ka mafelo a beke e e fitileng mosetsana mongwe wa moithuti le ene one a tlhaselwa ke banna ba le babedi mo Kanye ka nako ya lesome bosigo a tsamaya a le esi are o ya go tsaya ditsala tsa gagwe go ya go lala kwa kerekeng. A re banna bao ba ne ba mo leleka go fitlhelela ba mo tshwara mme mongwe wa bone a itseela dikobo ka dikgoka mo go ene mme ebile a sa dirise sekausu. Entse ele ka mafelo a beke gape Rre Konyana o tlhalositse fa ngwana wa dingwaga tse di lesome le boraro wa kgotla yoo Ruele mo Kanye a ne a tshuba ntlo ya rantafole mme dilwana tsotlhe mo go yone tsa asha.Are ngwana yoo one a tshameke ka molelo pele ga tiragalo eo ee diragetseng motshegare ka nako ya masome a mararo go tlogela nako ya bobedi. Kwa Moshupa gone mogolwane wa mapodisi Supt Onneetse Gagogosha le ene o tlhalositse fa go nnile le tiragalo e le nngwefela ya petelelo ka mafelo a beke kwa kgotleng ya Mmaseetsela. A re mosetsana wa dingwaga tse di masome a mabedi o ne a thubediwa ke mosimane mongwe yo le ene a leng dingwaga tse di masome a mabedi. A re mosetsana yoo yo eleng mmereki wa lelwapa kwa gagabo mosimane one a robetse mme mmelaelwa a mo tsenelela mo kamoreng ya boroko go itseela dikobo ka dikgoka mo go ene. Supt Gagogosha o tlhalositse fa mmelaelwa a le mo diatleng tsa mapodisi go ba thusa ka ditlhotlhomiso mme e tlaa re mo bogaufing a isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata go arabela molato wa petelelo. Mo go tse dingwe mogolwane wa mapodisi o boletse fa monna mongwe a fitlhetswe ka kgomo e go belaelwang e le ya bogodu kwa morakeng wa Goo-Kodisa, a re kgomo eo e sa le e nyeletse ka ngwaga wa 2014 mme ke gone e bonwang. O tlhalositse fa ditlhotlhomiso di tsweletse go batla mong wa kgomo mme a tlaa itshupa ka jaana kgomo eo e na le letshwao. crime_law_and_justice 1 Lekgotla la baruti le kgala tlhakanelo dikobo ntleng ga tseo E ne ya re kgwedi eno e le malatsi matlhano (Phalane 5) khansele ya Bokone Botlhaba ya tshegetsa moletlo wa kabo dietsele ya dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ya kgaolo eo. E ne e le la ntlha go tshegediwa moletlo oo, e le ka maikaelelo a go lemoga le go leboga dikomoti tsa ditlhabololo tsa metse ya kgaolo eo, tse di dikileng di dirile sentle mo pakeng ya tsone ya dingwaga tse tharo di le mo ofising. Kgaolo ya Bokone Botlhaba e na le di VDC di le masome a mane le botlhano mme di tlhophilwe ka 2015 ka Phalane, seo se raya gore di wetsa boikarabelo jwa tsone monongwaga. Fa a tlhalosa maikalelo a letsatsi leo, modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, Mme Florah Mpetsane o ne a re e re ka jaana dikomiti tseo di wetsa tiro mo malatsing a a sa fediseng pelo, moletlo oo o diretswe go lebogela maloko seabe se ba nnileng le sone mo go tlhabolololeng metse. Mme Mpetsane, yo gape e leng mokhanselara wa Matsiloje, o ne a tlhalosa fa seo gape se thusa go sekaseka gore a dikomiti di diragaditse boikarabelo jwa tsone ka fa go tshwanetseng ka teng. A re le fa VDC e le tiro ya boithaopo fela maloko a tsaya nako ya bone go e diragatsa le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho tse jaaka lemmenyana le le kwa tlase le ba atswiwang ka lone. A re maikaelelo mangwe ke go leka go godisa boikarabelo jwa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ka jaana go supafala fa dingwe di sa diragatse dilo dingwe ka fa go tshwanetseng ka teng. A re ka jalo bokopano joo bo ba neela sebaka sa go abelana maele le go anywa botsipa mo go ba bangwe. Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa lephata la tlhabololo magae, Rre Steven Ludick o ne a galaletsa khansele ya Bokone Botlhana go bo e ne ya bona go tshwanela go rulaganya moletlo oo. A re dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ke tsone di agang metse. O ne a supa fa di VDC di dira namane e tona ya tiro ya go rotloetsa therisanyo mo ditirong tsa setshaba. Rre Ludick o ne a supa fa puso e itse ka matshwenyego a bone ka dikatso tse di kwa tlase. O ne a tlhalosa fa puso e dirisa P30 million ngwaga le ngwaga go atswa maloko a VDC. Mo go tse dingwe, Rre Ludick o ne a gatelela botlhokwa jwa gore dikgosi, makhanselara le ba VDC ba tshwanetse ba goga ba le seopo sengwe gore ba gatele pele mo ditlhabololong tsa metse. O ne a kopa maloko a VDC go beela kwa thoko sepolotiki le semorafe, ka dilo tseo di ka felela di thuba dikomiti, a bo gape a ba gwetlha go nna ba diragatsa boikarabelo jwa bone ba setse morago melawana e e tsamaisang di VDC. O ne a tlhalosa fa seo se tlaa bo se supa gore ga ba a ikemela mme ba emetse dikeletso tsa setshaba. Fa a lebisa mafoko kwa go ba lephata la boipelego la khansele ga mmogo le ba-na-le seabe ba bangwe, Rre Ludick o ne a ba gakolola fa go tlhophiwa ga VDC e le tiro e e masisi, e e tlhokang gore ba nne kelelelo gore tsotlhe di tsamae ka thelelo, ka jaana go a bo go tlhophiwa boeteledipele jwa motse. Mopalamente wa Tati Bophirima, gape e le mothusa tona wa lephata la botsogo le boitekanelo, Rre Biggie Butale le ene o ne a ema maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ka lefoko la kgothatso, a supa fa di VDC di sale di nnile teng lefatshe leno le tsaya boipuso. Rre Butale o supile fa di VDC di dira go le gontsi mo go lereng ditlhabololo mo metseng, a re ka jalo seo se supa fa e le tsone thito ya tshimologo ya ditlhabololo, ke ka moo di bidiwang dipalamente tsa metse. O ne a gwetlha maloko go dira tiro ya bone ka botswapelo, ba tswa ka megopolo e e ka ba kgontshang go dira botoka go tlhabolola metse. A re di VDC ke tsone di thusitseng lefatshe leno go nna mo seemong se le leng mo go sone. Mo tlhatlhobong e di VDC di neng di tlhatlhojwa ka yone go ya ka fa di tshwanetseng go dira dilo ka teng, komiti ya ditlhabololo tsa Mabudzane e ne ya tsaya maemo a ntlha e salwa morago ke ya Shashe Brigde, fa ya Gulubane e ne ya gapa maemo a boraro. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Merapelo e emisitswe kwa Okavango Merapelo e e neng e tshwarwetswe kwa sekolong se segolwane sa Okavango mo Gumare ka letsatsi la Tshipi, e ne ya emisiwa go fitlhelela ka nako e e tla bolelwang. Mogokgo wa sekolo seo, Rre Ekubile Mmusinyane o boletse mo potsolotsong gore dikereke ka go farologana di simolotse go tshwara merapelo kwa sekolong seo fa e sa le kgwedi e e fetileng e tlhola malatsi ale masome a mabedi le borataro. Rre Mmusinyane a re, lengwe la mabaka a a bakileng go emisiwa ga merapelo eo ke go tlhoka go itemogela pharologanyo le pele merapelo e simolodisiwa. A re, lebaka le lengwe ke gore ba kgonne go tsweledisa dithulaganyo dingwe tsa sekolo tse di neng di emisitswe ka nakwana, di akaretsa metshameko ya kgwele ya dinao go sutela merapelo, ka jaana paka ya metshameko e le gaufi mme ba ka tloga ba tlolwa ke dithuto tseo. Fa e sa le merapelo e simolola kwa sekolong seo, dikereke ka go farologana di tshwara merapelo maitseboa mangwe le mangwe go leka go koba mo go dumelwang ele mowa wa ga saatane o o tlhorontshang bana mo sekolong seo. Mogokgo gape o tlhalositse gore, mowa oo, o bakile tlhakatlhakano mo sekolong sa gagwe ka gore bana bangwe jaanong ba dirisa lebaka leo go sa tsene sekolo ka seipato sa gore ba tshaba go tsenwa ke mowa wa ga saatane. Mogokgo o ikuetse mo batsading go bua le bana ba bone ka botlhokwa jwa thuto. E ne ya re kgwedi e e fetileng mo phuthegong ya batsadi le barutabana, batsadi ba bana ba bone ba tsenang kwa sekolong sa Okavango ba tsaya tshwetso ya go kopa dikereke tse di farologaneng go ya go rapelela sekolo seo, morago ga ditiragalo dingwe tse di neng tsa fuduwa baithuti bangwe maikutlo tse go dumelwang ele tsa tumelo ya ga saatane. Kwa phuthegong eo, barutabana ba ne ba rurifatsa fa baithuti bangwe ba inaakantse le mowa o go belaelwang ele wa ga Saatane mo sekolong seo. Go bile ga tlhalosiwa gape gore barutabana ba le masome a mabedi le botlhano le bana ba le masome a mane ba tsentswe mo tumelong eo ke lekoko leo ntswa bone ba sa itse. Go lebega sekolo sa Okavango se sa robalelwa ke ditlhokwa ka gore e ne yare ka ngwaga wa 2000 bana bangwe ba sekolo seo ba tlhaselwa ke bolwetse jwa tlhaloganyo jo bo neng bo itsiwe ka leina la ‘hysteria’ jo bo neng bo amile bana ba basetsana bogolo jang. Ka nako eo bana ba ba neng ba amilwe ke bolwetse joo ba ne ba itshupa ka go omelela ka ditshego, bangwe ba tlala bogale ba tshosetsa bana ba bangwe matshelo fa bangwe ba ne ba nna fela ka letsapa. Bolwetse jwa ‘hysteria’, bo ne jwa ama bana ba ka nna masome a le mararo le botlhano mo lekgolong mme jwa goga dikgwedi di ka nna pedi go ya go tse tharo mo go neng ga pateletsa bagolwane ba lephata la thuto le bana-le -seabe go tswala sekolo seo lobaka la beke tse tharo. Ba bongaka ka nako eo, ba ne ba tlhalosa fa bolwetse joo bo tshelanwa mme tharabololo ya jone e le go tswala sekolo ka nakwana go leka go kgaoganya bana go itsa kanamo ya jone. Bokhutlo religion_and_belief 8 Botlhoka tsebe ga bo busetse Kgosi Mokopakgomo Kgomokgwana wa Moiyabana a re go tlhoka tsebe ga baithuti go dira gore ba felele ba isitswe kwa lekgotleng go otlhaelwa go tlola molao. Rre Kgomokgwana o buile jaana ka Lwabotlhano kwa Moiyabana jaaka ba lekgotlana la peo ya ditsha la ga-Mmangwato ba ne ba abela baithuti ba sekole sa Mothamo kwa Moiyabana mesangwana ya bomme e le makgolo a fera bongwe le melora e e tlhapang legano. Kgosi o kopile baithuti go itsa gore ba nne ba bileditswe boitsholo jo bo sa amogeleseng ka Setswana se re, leina le le ntle motho o a le itirela. O supile fa baithuti ba inaakantse le ditagi tse di farologaneng tse di sa siamelang isago le botsogo jwa bone mme a ba rotloetsa go ikgapha mo go tsotlhe tse di maswe gore ba kgone go dira sentle mo dithutong. Mogokgo Willie o kgothaditse baithuti go nna le lenyora la thuto, ka e le yone fela e ka dirang gore ba fetole itsholelo ya kwa ba tswang teng go na le go inaakanya le botlhokatsebe. Rre Okatswa ene o rotloeditse baithuti go reetsa barutabana ka go sena bokamoso ntle le thuto mme a ba gakolola gore go inaakanya le tse di duleng mo tseleng ga go kitla go ba leretse isago e e siameng. Modulasetilo wa mokgatlho wa batsadi,barutabana le baithuti, Rre Galenyadiwe Odigetswe o supile fa nako e tsile gore sekole sa Mothamo se itsewe ka tse dintle go na le tse di maswe tse ba itseweng ka tsone mo motseng wa Moiyabana. Rre Odigetswe a re go monate gore ba balelwe mo go tse dintle go na le tse di maswe tse baithuti ba inaakantseng le tsone. O tlhaloseditse baithuti fa boitaolo le bodipa di se na maduo ape a mantle mme phelelo ya tsone e le loso, a tlatsa ka gore baithuti ba tsweletse ka mekgwa e e bosula ka e bile o fitlhele ba loba ba ba ba dirileng molato gore batle ba kgone go otlhaiwa tse ba di dirileng. Rre Odigetswe a re ba tshwanetse go bona gore kwa ba go tswang go ntse jang le gore ba ka go tokafatsa jang gore ba tswe mo letlhokong le ba leng mo go lone mme a supa gore se, se ka diragala fela fa e le gore go na le popagano ya bagolo le bana ba sekole. Rre Bagakolodi Motsamai wa ofisi ya tokafatso maduo ya lephata la kabo ditsha kwa Serowe, a re ke tshwanelo ya bone jaaka maphata a puso go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. Rre Motsamai o supile fa go nna le seabe mo botsogong jwa baithuti e le go ba kgothatsa gore ba tsenye moko mo dinameng mo dithutong tsa bone go na le go neela tshwene marapo ba bo ba inakanya le tse di tlaa ba gogelang mo thaelong. A re mpho e, ke tsela nngwe ya go tla go bona matlhoko a baithuti le sekole gore mo isagong ba ka ba thusa jaang. BOKHUTLO society 9 Tshireletso o busetsa Mogotlho phetolo Banni ba Mogotlho ba akgoletswe boitshwaro le bokgoni jwa go tlhokomela motse wa bone ntswa ditlamelo di ise di goroge kwa go bone. Se se builwe ke mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso fa a ne a etetse motse oo mo bosheng a tsisitse dikarabo tse morafe o neng o di beile pele Tautona fa a etetse koo. E rile a araba kgang ya letlhoko la metsi, a tlhalosa fa lephata la metsi le itse seemo, mme a tlatsa ka gore Mogotlho mongwewa metse e e nosiwang ka tanka, mme se se dirwa ke kgang ya letlhoko la madi. Mme Tshireletso o ne a rurifatsa gore fa go kgonega, e tlaare kabo ya madi e e latelang, puso e tsenyetse motse oo madi, ka o tlhomamisiwa gore ke motse ngwaga o o fitileng. Banni ba Mogotlho ba ne gape ba dirile kopo ya go tsenyetswa motlakase, mme e rile a ba neelakarabo, Mme Tshireletso a tlhalosa fa batho botlhe ba ba eletsang go tsenyetswa motlakase ba ka isa dikopo tsa bone ka motlakase o setse o le gaufi, o feta ha godimo ga motse wa bone o ya ko metseng e mengwe. E rile a leboga mothusa tona, modulasetilo wa khansele potlana ya Okavango, Mokhanselara Samson Mauano a mo akgola go bo a kgonne go tlisa thomo mme a amogela dikarabo, mme a supa gore puso e kgathala ka matshwenyego a morafe. O akgoletse batho ba motse wa Mogotlho bopelotelele a re go a busetsa, mme o ba gakolotse gore ba tshware fela jalo ka motse wa bone o sa tswa go amogelwa ke goromente go nna motse ngogola. A re se se raya gore ditlhabololo di tla tla mme o ba kopile gore ba itshoke ba nne fela ka mowa o montle o be neng ba akgolwa ka one, a re letsatsi la tuelo le itsiwe ke Modimo. politics 7 Morutabana motheo wa bokamoso Mogokgo wa pele, Mme Margret Phologo, a re barutabana ke lesedi la lefatshe ka e le bone ba ba tlhagolang tsela ya botshelo ka thuto. Fa a bua kwa letsatsing la barutabana kwa Tsabong bosheng, Mme Phologo o ne a supa fa barutabana e le bone motheo wa go bopa ngwana. A re barutabana ba tshwanetse go nna motlotlo ka ba tsweletse ka go ntsha maduo a a bonalang ebile ba alosa barutegi ba tlhwatlhwa. A re thuto ya maranyane e botlhokwa ka e thusa bana go dira ditshekatsheko tse di tseneletseng go tlhaloganya le go nna le dikitso mo dithutong tsa bone,. Mme Phologo a re barutabana ke bone fela ba ba ka kgonang go fetola lefatshe ka ditlhabololo tsa sennela ruri le go rotloetsa batho ba ba ka ikemelang ba na le dikitso tsa tlhwatlhwa. O ne a gakolola barutabana go sala mo morago le go ithuta ditsetlana le molao wa tsa pereko ka e le tsone tse di ka ba kaelang go dira tiro ya bone ka manontlhotlho. Mme Phologo o ne a ba kopa gape go ikaega ka lefoko la Modimo ka le ka ba nonotsha mo nakong tse di thata gore ba seka ba kotlomela maikutlo. Moeteledipele wa banka ya Barclays kwa Tsabong, Mme Sedilame Lesitaokana ene o ne a bolela fa thuto ya segompieno e tlhabolotswe go nna ya boleng jo bo kwa godimo ka go dirisiwa maranyane go ithuta fa go tshwantshwanngwa le nako ya maloba ka ditlamelo le dirisiwa di ne di tlhaela. Mme Lesitaokana o ne a supa fa tshwaragano ya barutabana, batsadi le makalana a a ikemetseng e le botlhokwa ka ba ka dira pharologanyo mo go tokafatseng maduo. O boletse fa maduo a dikole kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa mo dingwageng tse nne a ne a ntse a tokofala. O ne a supa fa ngogola dikolo tse di potlana maduo a tsone e ne e le 61.3 per cent, tse dikgolwane e le 24.4 per cent fa go tshwatshwannagwa le 22.1 per cent ka 2017 fa tse dikgolo tsone e le 17.3 per cent. Le fa go ntse jalo, Mme Lesitaokana a re lephata la thuto le sa ntse le tshwanelwa ke go itoma molomo wa tlase go tlhomamisa gore le fitlhelela seelo se le se ipeetseng sa 80 per cent mo maduong a dikole tse dipotlana, 50 per cent tse dikgolwane le 30 per cent mo go tse dikgolo. O ne a gakolola barutabana go ikgapha mo dinotaging le go ratana le baithuti ka ba ka felela ba sa tseye tiro ya bone ka tlhwaafalo. O ne a tlatsa ka go ba kopa go iphapa mo go tsa sepolotiki le ntswa, mme ba seka ba lebala gore godimo ga tsotlhe ke bone barutuntshi. education 4 Baithuti ga ba rekegele tiriso ya tsela Banni ba Serowe ba re ba tshwenngwa ke boitshwaro jwa bana ba dikole ka ba sa rekegele tiriso ya tsela. Bontsi jwa ba ba supileng matshwenyego, ke bakgweetsi, ba ba tlhalosang fa tshoso e rweleng e le baithuti ba sekole se segolwane sa Swaneng Hill ka jaana ba gobeya mo ditseleng tsa dikoloi fa sekole se tswa mme e bile ba se na sepe le pabalesego ya bone. Ba re bana ba, ba kgona go tsamaya fa gare ga tsela ba sa lebe dikoloi e bile ba tlola tsela gongwe le gongwe. Mogokgo wa sekole seo, Mme Gabalape Autlwetse, o tlhalositse gore mo gongwe bana ba, ba kgona go dira mosuke fela o motona mo tseleng, mo dikoloi di felela di sa tsamae go fitlhelela ba itherolola ba di sutela. Mme Autlwetse a re ba lekile makgetho a le mmalwa go tsibosa bana ka ipabalelo tseleng mo diphuthegong tsa bone tsa moso le moso mme ga gona pharologanyo. A re seemo se, se a tshwenya e bile se tlhoka tshwaragano ya batsadi, barutabana le makalana a bodirelapuso ka kakaretso, segolo bogolo lephata la ipabalelo tseleng. Mogolwane wa mapodisi a Serowe, Rre Paul Molapisi, a re setshaba ka kakaretso se tshwanetse sa rutwa ipabalelo tseleng.O tlhalositse fa ba tlaa baya leitlho metsamao ya bana ba sekole gore ba tsibogele mathata mangwe le mangwe a a ka tlhagogang.Le fa go ntse jalo o supile fa go ise go nne le kotsi epe ka ntata ya bana ba. Mogolwane wa lephata la ipabalelo tseleng kwa Serowe, Mme Pearl Kasweka, o tlhalositse gore ba lekile makgetho a le mantsi go ruta baithuti ka ipabalelo tseleng, a tlatsa ka gore ba na le dikgaisanyo tsa dikole tse dipotlana le tse dikgolwane go leka go tsibosa bana ka mosola wa ipabalelo tseleng. Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Monana kwa Francistown o thusa ba ba tlhokileng lesego Batswana lefasthe ka bophara ba atlile mokgosi wa ga Tautona wa go thusa ba ba tlhokileng lesego. Batswana ka bongwe ka bongwe le dikhamphane ka go farologana ba tsweletse ka go tsibogela mokgosi oo. Mongwe wa Batswana ba go nna jalo ke monana kwa Francistown, Rre Modiri Marotsi yo o tlholegang kwa Makaleng mo kgaolong ya Bokone Botlhaba. “Ke gwetlhilwe ke bopelontle jo bo dirwang ke Tautona wa rona a supa fa a kgathala ka matshelo a setshaba ka kakaretso ka go leka go fetola seemo sa bone sa botshelo ka go ba abela tse di tlhokegang tsa botshelo,”ga tlhalosa jalo Rre Marotsi. O tladitse ka go re o ne a bona gore le ene a tsibogele mokgosi a netefatse gore ba ba tlhokileng lesego ba bona thuso gore kgabagare ba nne le seriti mo matshelong a bone ka kakaretso. O akgotse Tautona a re se a se dirang ke sesupo sa gore o lemoga bo leng teng jwa bao ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng mme e bile o itse fa re sa lekane re se meno. Rre Marotsi o itlhophetse go nna a abela ba ba tlhokileng lesego dijo, melora e e thapang ga mmogo le go abela baithuti ba ba basetsana mesangwana e ba e dirisang ba setse ba le mo setswalong. Mo nakong eno, monana yo o setse a abetse baithuti mo dikoleng mesangwana ya setswalo e le makgolo mabedi, a abela le bagolegwa ba kgolegelo ya Gerald melora ga mmogo le go abela malwapa mangwe dijo. A re gape o diragatsa e le moletsi mme letseno le a le dirang o tlatsa ka lone. O tlhalositse gape fa ba khamphane e a direlang mo go yone le banana bangwe ka ene e bong Tshepho Nakedi, Neo Mbulawa le Ofentse Delu ba lemoga maiteko a gagwe a go direla setshaba ka jaana ba aga ba mo ema nokeng gope kwa a yang go atolola letsogo la gagwe teng. Rre Marotsi o tlhalositse fa e re le ntswa a lebagane ke kgwetlho ya letlhoko la barotloetsi mo go se a se dirang, ga a kitla a boela morago go tswelela a dira pharologanyo mo matshelong a Batswana ka karetso. A re o eletsa go tsamaya a thusa setshaba lefatshe ka bophara. Monana yo, o kopa Batswana ka ene go tswelela ba supa mowa wa bopelotlhomogi le mautlwelo botlhoko mo go bao ba ba tlhokileng lesego. A re go dira jalo e tlaa bo e le tsela nngwe ya go supa fa ba tshela tebelopelo ya setshaba ya go nna tshaba e e kgathalang ka motshelo a ba bangwe e bile e le kutlwelo botlhoko. O tlhalosa fa go thusa mongwe ka wena go sa reye gore o a bo o na le madi a mantsi, a bolela fa go fa motho yo mongwe lerato la Modimo e le mpho e e faphegileng ka se tlaa mo dira gore le ene a ipone a lemotshega mo setshabeng. O ne a tlatsa ka go tlhalosa fa thuso epe fela mo Modimong e le botlhokwa mo go yo a e amogelang le mo go wena gape ke go ikopela masego le matlhogonolo ka jaana go le lesego letsogo le le abang go na le le le amogelang. BOKHUTLO society 9 Botsogo jwa ngwana boswa jwa popota Mogokaganya ditirelo tsa go fokotsa kanamo ya bolwetse jwa AIDS, Mme Teresa Makati, o gakolotse batsadi le batlhokomedi ba bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse tlhano go tsaya boikarabelo jwa go abela bana bao tse ba di tlhokang mo kgodisong ya bone. Mme Makati o ntshitse kgakololo eo fa a ne a simolodisa beke ya go fa bana mekento bogolo thata e ba e tlodisitsweng ka nako e ba neng ba tshwanetse go e fiwa. A re ke boikarabelo jwa batsadi go isa bana go ya go fiwa mekento le marothodi a tshireletso malwetse go fokotsa dintsho tsa bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano. O tlhalositse gore go tlhoka go tsiboga ka go isa bana bongakeng fa ba lwala go oketsa dipalo tsa dintsho tsa bana. O kgothaditse batsadi go nna le boikarabelo mo kgodisong ya bana ba bone ka go ba abela tsotlhe tse ba di tlhokang e leng molao wa motia, lerato le go ba fa dijo tse di nang le dikotla. Mme Makati a re fela jaaka bana ba baakanyediwa maina a batsadi ba eletsang go ba a fa, ba tshwanetse ba baakanyetsa gape go rupisa ngwana go dira ba booki fela a sena go tsholwa go na le go tlhoka go dira loaro ka bangwe batsadi ba re ke tshwetso e e tlaa dirwang ke bana ba sena go gola. A re learo le le botlhokwa ka e bile ga le tseye lebaka le le leele go fola ebile le fokotsa kanamo ya mogare wa HIV ka diphesente di le masome a marataro ka jalo a re go molemo go le dira ngwana a sena go belegwa kana mo dikgweding tse thataro. Mme Makati o bile a rotloetsa batsadi go dirisa malatsi a matlhano a go isa bana go fiwa mekento e ba e tlodisitsweng. Fa a bua ka maikaelelo a letsatsi le, mogolwane kwa lekalaneng la thibelo malwetse, Mme Nancy Mogwera o tlhalositse gore ngwaga o ke wa borataro lefatshe leno le ipelela letsatsi le ka jaana a re ba botsogo ba bone go le maleba go nna le letsatsi le go abelana le batsadi thuto ya kgodiso ya bana ba ba dingwaga tse di ko tlase ga botlhano le tlhokomelo ya bone, go rotloetsa batsadi go dira bana loaro lo lo babalesegileng le go ba rotloetsa go tsaya mekento le marothodi a tshireletso malwetse. Mongwe wa batsadi, Rre Edwin Motse o gwetlhile batsadi go direla bana ba bone boswa ka go ba fa botsogo jo bo siameng. A re ngwana o tshwanetse a tlamelwa ka go fiwa dijo tse di haphegileng di na le dikotla, a fiwe bongaka le go tlhokomelwa. A re mo Botswana ga gona lebaka lepe le motho a ka le fang go tlhalosa seemo se se bakwang ke go belegwa ga bana ba ba nang le mogare wa HIV ka a re puso e eme ka dinao go lwantsha bolwetse jo. BOKHUTLO education 4 Dikgang tsa boagedi di masisi Kgosi Maruje III wa Masunga o supile fa dikgang tsa boagedi di le masisi thata, ka jalo go le botlhokwa gore ba ba amanang le tsone ba di tshware ka manontlhotlho.. O buile jalo kwa thuto-puisanong e e neng e tshwerwe ke ba lephata la tsa mesepele le boagedi bosheng go tsibosa dikgosi tsa kgaolo ya bokone botlhaba ka melao e e amanang le boagedi. Kgosi Maruje III o kaile fa go le botlhokwa gore dikgosi le makalana otlhe a a amanang le dikgang tsa boagedi a dire go tlala ka diatla go dibela lefatshe leno ka go tlhomamisa gore ope yo o sa tshwanelwang ke boagedi jwa lone ga a bo fiwe. A re go sa nneng keletlhoko mo go kelekeng baikopedi go ka digela lefatshe leno ka lemena, ga mmogo le gone go humanegisa batho ba lone ka jaana ba ka felela ba iphitlhela ba kgobokanetse meamuso ya lefatshe la gaabo le batho ba ba seng maleba. Kgosi Maruje III a re metse e kile ya bo e na le fa e kwalang baeng teng fa ba goroga ka ba ne ba tlamega go ipega pele kwa bogosing pele ba ka dira sepe fela mo motseng. O boletse fa selo se se ne se thusa thata mo go feng kitso ya gore ke batho bafe ba ba mo gae ba tota e seng ba motse oo. Thulaganyo e, kgosi o boletse fa e ne e thusa thata, ka jalo maiteko a tshwanetse a dirwa go e tsosolosa. Mogolwane wa lephata la tsa mesepele le boagedi mo Masunga, Mme Lindiwe Ngwenya o ne a tlhalosa fa dikgang tsa boagedi di le dintsi mo kgaolong ka ntlha ya fa e bapile le molelwane. O supile fa ba itemogetse dikgang tse dintsi tsa bomme ba batswakwa e bile ba tshotse bana le borre ba Batswana mme ba ntse dingwaga ngwaga ba sena dipampiri tse di maleba. A re bomme ba go nna jalo le bana ba bone ga bana dipampiri tsa itshupo di akaretsa karata ya Omang ka jaana seemo sa bone sa boagedi se sa tlhapa. Mme Ngwenya o ne a supa fa dikgang tsa batho bao di tshwenya e bile di godisa dipalo tsa batlhoki ka batho ba go nna jalo ba sa kgone go ka batla mebereko ka ntlha ya go tlhoka dikwalo tsa itshupo. Kgosi Bernard Mbalambi wa Mbalambi ene fa a akgela o kaile fa batho ba ba nnang mono ntle le dipampiri tse di tshwanetseng ba le bantsi, mme e bile bontsi jwa bone ba sa le ba ntse nabo mo metseng ya bone go tloga dingwaga tsa maloba. A re go tshwanetse ga dirwa sengwe go thusa batho ba go nna jalo gore le bone ba kgone go tshela ka tshosologo ka go se gope kwa ba ka tlholang ba ya teng. Kgosi Kutlwano Matenge wa Matenge ene o ne a supa ka monwana bao ba ba rweleng boikarabelo jwa go thusa batho ba go nna jalo, a re ga ba dire ka natla go bona gore seemo sa boagedi sa batho bao se a rarabololwa. A re bangwe fa ba tshwanetse go thusa batho bao, ba nna dikgang tsa bone ka marago, a supa fa go sa fetisetseng dikgang kwa diofising tsa puso tse di maleba go diela batho ba ba amegang go bona thuso. Le fa go le jalo, Kgosi Matenge o ne a boa a kgala bone ba ba amilweng ke dikgang tsa boagedi, a re ba na le go tlhakatlhakanya dilo ka go ikuela kwa le kwa. A re bangwe e a re dikgosi di santse di tshwere dikgang tsa bone, ba ikuele gape kwa baeteledipeleng ba bangwe jaaka makhanselara le mapalamente, mme ba seke ba tlhalose fa ba ne ba setse ba ikuetse kwa go kgosi gore gongwe bagogi bao botlhe ba tle ba thulanye ditlhogo go ba batlela tharabololo. Fa a tshwaela kwa bokopanong joo, modulasetilo wa khansele ya bokone botlhaba yo gape a leng mokhanselara wa Matsiloje Mme Florah Mpetsane o ne a gatelela botlhokwa jwa go tshwara dikgang tsa boagedi ka matsetseleko. O ne gape a tlhagisa dikgosi go seke di letlelela tshenyetso setshaba le pipa-molomo go tlhagelela mo tirong ya bone, ka go supela batho ba ba sa tshwanelang go fiwa boagedi. Mme Mpetsane a re go dira jalo go ka fa sebaka batho ba mafatshe a sele go tla go gopela itsholelo le go akola meamuso ya lefatshe leno e ne e sa ba lebana. BOKHUTLO society 9 Ba Machaneng ba akotse ISPAAD Lefa dipula di nele ka boutsana mo dikgaolong dingwe tsa lefatshe leno, kwa Machaneng motshwarelela mogolwane wa balemise, Rre Nti Makgale, o bolela fa batho ba kgaolo ya gagwe ba lemile ditema di feta dikete tse tharo le lekgolo le bobedi mo letsemeng la mono ngwana. Rre Makgale o boletse mo potsolotsong gore mo ditemeng tseo dile dikete tse pedi makgolo a supa le masome a le manedi le bongwe ke tse di lemilweng ka ditselana ka lenaneo la ISPAAD fa dile makgalo a mararo le masome a le bobedi le motso e le tse di lemilweng ka go gasa. A re le ntswa dipula di le boutsana ebile mogote wa letsatsi o ntsha kwena mo metsing, o itumedisiwa ke gore balemi ba kgaolo ya Machaneng bane ba ikemiseditse go dirisa lenaneo la ISPAAD go lema dijo tse ba ka itshetsang ka tsone boemong jwa go ikaega ka lenaneo la Ipelegeng le go bolelwang batho bangwe ba phuaganya masimo goya go bereka mo go lone. O tsweletse ka go tlhalosetsa ba motswedi wa dikgang fa ditema di le sekete makgoloa mabedi le bobedi e le tse di lemilweng mmidi fa di le makgolo a roba bongwe le masome a le marataro le borataro e le tsa mabele fa di le makgolo a mane le masome a mabedi le bongwe e le tsa dinawa fa tsa ditloo di le lekgolo le masome a mararo le botlhano, mme tsa magapu tsone di le lekgolo le masome a a mabedi le botlhano. Rre Makgale o rile lefa batho ba kgonne go lema sebe sa phiri ke gore ba ne ba lebanwe ke dikgwetlho ditshwana le go tlhaela ga diterekere le dipolantara ga mmogo le dipula tse di boutsana mo batho bangwe ba neng ba patelesega go dirisa ditonki go ipeela tema. A re ele ba lephata la selemise kwa Machaneng ba kgonne go lemela Batswana masimo ka lenaneo la ISPAAD mo ngwageng wa 2014/15, o bolela fa ba tshwenngwa ke beng ba diterekere bangwe ba go bolelwang ba lopa batho madi a peeletso ntswa mmuso o ba duela madi a lekaneng ditema tse ba di lemileng. society 9 Mmuso o neela banana sebaka Mokwaledi wa lephata la banana,metshameko le ngwao, Rre Kago Ramokate a re mangwe a maikaelelo a lephata la gagwe ke go neela monana mongwe le mongwe sebaka mo botshelong. Rre Ramokate o buile se kwa phuthegong ya letsatsi la ditshupo tsa banana kwa Mahalapye bosheng. A re le fa banana go itshupa mo bodiragatsing,dikgwebo le metshameko e ka yone motho a ka kgonang go felela a gaisana mo metshamekong e megolo e tshwana le ya di Olympic. Ka jalo o ne a gakolola banana go ikemela ka dinao go itlhamela mebereko le go tlhabolola lefatshe la bone ka e le bone babusi ba kamoso. O ne a rotloetsa banana go ikopanya le baeteledipele jaaka ba lephata la gagwe go tsaya dikgakololo ka mananeo a a le teng a tshwana National Internship Programme, Youth Development Fund le Tirelo Sechaba Rre Ramokate o ne a rotloetsa banana go apara mebala ya Botswana se e le go ipelafatsa ka lefatshe la bone. O ne a lebogela banana ba Mahalapye go bo ba ithaopa mo ditirong tsa setshaba go baakanyetsa boipuso jaaka go penta mmolo bosheng. Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa khansele-potlana ya Legare, Rre Tassman Cebani a re o eletsa gore banana ba gole mo dikgwebong gore ba tle ba kgone go thapa ba bangwe mme se se tokafatse le yone itsholelo ya lefatshe. A re lefatshe la Botswana le na le palo e potlana ya batho ka jalo go thata gore kgwebo e tswelele ka ntata ya mmaraka o o senang bareki ba bantsi. O ne a kopa gore ba ba neng ba thusitswe pele ka madi e bile dikgwebo tsa bone di na le dipoelo tse di botoka ba thusiwe gape gore ba di godise. Rre Cebani o ne a leboga puso ka mananeo a a diretsweng banana ka ba tlaa kgona go itlhabolola le go intsha mo lehumeng. arts_culture_entertainment_and_media 0 Ditlhopha tsa kgwele di thusa ka madi a mmele Balemi ba kgaolo potlana ya Palapye ba ne ba tshwere ditshupo kwa masimong a Lemone bosheng. Molemi oo tumileng kwa kgaolong ya Tonota botlhaba, ebile e le leloko la lekgotla la balemi la DIKAGO, Mme Oneilwe Mmolawa o ne a bolelela kokoano eo fa nako e tsile gore balemi ba itse se se tlhokwang go ntsha dijo go jesa lefatshe leno. Mme Mmolawa o rotloeditse balemi gore fa pula e phaila, ba seka ba emela puso go ba fa dipeo, mme ba dirise peo tsa bone, puso e batseye tema e fitlhela le bone baikemetse ka dinao. O ne a ba kgothatsa go nna tlhaga, boineelo le lerato mo temong, selo se a reng se ka sekgonagala fela fa batshwaragane le go abelana maele a temo. A re go mo maruding a balemi go ikgodisa le go bopa makgotla a balemi a a nang le lentswe le le ka reediwang le ke bagwebi ba ba ikemetseng ka nosi. Mme Mmolawa a re ka lekgotla la balemi le le nonofileng, ba ka bona dithuso gotswa mo makalaneng a a ikemetseng go imolola puso morwalo. O ne a kopa balemi go babalela ditswa temong jaaka letlhaka, gore e re ka nako ya leuba, bakgone go jesa leruo. O ne a ba ba kgothatsa go re ba seka ba tsenya dikgomo mo masimong ba re ba dijesa letlhaka ka seo se ka batsisetsa mehero le diji tse ditlang ka leruo. A re go botlhokwa gore molemi a itse dijalo tse ditsamaelanang le mmu le monontshane o a o tsenyang mo tshimong ka nako tsotlhe. Mme Mmolawa o ne a galaletsa balemi ba masimo a Lemone a re ba na le tebelopele ka ba lema dijalo balebeletse mmu wa masimo a bone. O ne gape a re lenaneo la Ipelegeng kwa masimo le diya balemi go inaakanya le temo ba tsentse marapo mo dinameng. A re puso e sekaseke ditlhwatlhwa tsa Botswana Marketing Board ka di le kwa tlase selo se a boletseng se ka kgoba balemi marapo. A re balemi ba tshwanetse go letlelelwa go ipatela mebaraka kwa baka rekisang dijalo tsa bone teng, gore ba kgone go phadisanela mebaraka le ba ba bangwe. O ne gape a abela Mme Keakabetse Phalayagae peo ya kofi e a e lemang kwa masimong a gagwe. E rile a lekodisa ka tsa temo, modulasetilo wa lekgotla la balemi ba kgaolwana potlana ya Palapye Rre Gagoitsiwe Johannes, a supa fa kwa Lemone batshwaragane mo e bileng ba kgona gotsaya mebu ya masimo a leotla leo go a isa kwa matlhatlhobelong a mebu kwa Gaborone. A re go dira jalo ba fokoletsa balemi ditshenyegelo le gone go bafa sebaka sa go tsaya ditshwetso tse di maleba mabedi le se mmu wa bone o setlhokang. Rre Johannes a re masimo a bone a tshwenngwa ke bojang jo gotweng Mmabasete, mme a supa gape fa ba itepatepantse le leruo le le jelang batho masimo lesa tlhatlhalwe. A re sengwe gape se komiti e se dirang ke go ruta balemi ka mosola wa didirisiwa tsa temo le gone go ba balela thobo. Mogolwane wa balemisi ba kgaolo potlana ya Palapye, Mme Phalayagae a re ditshupo potlana tse ke matlhagola tsela a ditshupo tsa setshaba tse ditlang. A re kgaolwana eo e ne ya thulanya ditlhogo gore ba seka ba tlhaelwa ke go supa ditswa temo tsa bone ka badikile ba bonye ka tlatlana. Mokhanselera wa kgaolwana ya Mmalekokopu, Rre Omphemetse Kgotlaetsile o ne a kgothatsa balemi go inaakanya le metlhala ya se gompieno go lemela go jesa lefatshe. health 6 Thuto ka temo e ntsha le maduo Molemisi wa Sebina, Rre Thutoetsile Thutoetsile a re temo ya tshomarelo e ka nowa moro ka go setse go itshupile fa e na le maduo. Rre Thutoetsile o buile jaana ka letsatsi la go ipilela thobo ke balemi ba Tutume kwa tshimong ya ga Mme Baboloki Majaga ka Laboraro. A re lenaneo la go pitikolola mmu le botlhokwa ka le somarela bokgola gape le thibela kgotlelesego ya mmu ka go pitikololwa mmu go dirwa meralo ya kelelo ya metsi go sa pitikololwe lefatshe lotlhe jaaka mo go tlwaelesegile. O boletse fa ba lemogile gore mokgwa o o neng o dirisiwa wa go lema ka terekere o kgotlela mmu ka metsamao ya yone e mentsi ka e a lema kana go pitikolola mmu,mme seo se dire gore mmu wa teng o felele o tsewa motlhofo ke phefo le metsi le gone le go latlhegelwa ke dikota. Molemisi a re go pitikolola mmu go somarela metsi ka a kgona go elela sentle, a tseye nako a le mo mmung mme bokgola jwa teng bo fitlhelwe ke dijalo. Gape terekere e tsamaya ga nngwefela, e rala ditselana mme molemi a jale ka nako ya temo a tsamaya a latlhela peo ka letsogo ka ditselana. O tlhalositse fa tiro ya go pitikolola mmu e direga botoka morago ga go roba gore matlhaka a a mo tshimong a sale a khurumeditse mmu oo le gore o seka wa kgotlelesega gape letlhaka le ya go nna monontshane. O ne a kopa balemi go tlogela mokgwa wa go tlhatlhela dikgomo mo masimong, a re dikgomo di tla ka mehero e e farologanyeng e e sa siamelang dijalo. O ne a galaletsa balemi ba kgaolo eo a re ba lema ba kabakanya dijalo, selo se se a siametseng temo. E rile a ntsha la gagwe, mookamela marekisetso a Botswana Agriculture Marketing Board (BAMB), Rre Edson Woto a kopa balemi go tlogela mokgwa wa go ikaega ka go ya go bereka kwa Pandamatenga mme ba leme mo masimong a bone. Rre Woto a re masimo a fetogile dikgwa, batho fa ba re ba lemile ba lema ekere fela,bangwe ba leme mme ba phuaganye masimong a bone. A re mokgwa oo ga o a siama ka o diga temo ka go lema go tshwanetse ga nna le dipoelo. A re BAMB e diretswe go reka thobo mo baleming go e rekisetsa Batswana le mafatshe a sele mme balemi ba santse ba le kgakala le go goroga fa seelong. O ne a ba kopa go tsaya dithuto tsa balemisi tsia le go di diragatsa gore ba kgone go jesa lefatshe leno le go tlhabolola matshelo a bone, a ba gwetlha go ema ka dinao go itirela dijo. A re kgwebo nngwe le nngwe e tlhokana le lerato le bopelotelele gore e tswelele sentle. A re ke sone se se neng sa dirwa ke Mme Majaga mme a kgona go bona thobo e nametsang. Mme Majaga ene o boletse fa a simolotse go lema ka go pitikolola mmu ka 2013. A re fa e sale a lema ka one mokgwa oo mo ekereng o kgona go ntsha thobo e a kgonang go jesa balelwapa la gagwe le go rekisa tota. Mme Majaga a re mananeo ape a balemisi ba reng a siametse temo ga a ke a re kamoso, o nna tsebe ntlha go reetsa le go kopa dikgakololo mo go bone mme a lekeletse. A re go sala morago ditaelo tsa balemisi le go diragatsa se ba se buang ke yone pheko e tona mo temong. Maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go tla go rutana ka tsomarelo ya temo le go ruta balemi mekgwa mengwe e ba ka e dirisang ka nako ya komelelo. BOPA economy_business_and_finance 3 Mebala ga e kganelwe kwa matlhophelong Mogolwane mo ofising ya ditlhopho go tswa Gaborone, Rre Dintle Rapoo a re motlhophi o gololesegile go tla kwa matlhophelong ka letsatsi la ditlhopho a apere mmala mongwe le mongwe fela go sa kgathalesege gore o tsamaelana kgotsa o tshwana le wa phathi e e rileng, mme fela o sena letshwao kgotsa sekano sepe se se supang phathi nngwe. E rile a bua kwa dithuto puisanong go tlhagolelela ditlhopho tse di tlang tsela, a tlhalosa gore le koloi e e manegilweng ditshwantsho tsa balatedi ba diphathi kgotsa mekwalo ya diphathi e letlelesega go tsena mo lefelong la matlhophelo go tlisa batho mme fela ga e letlelelwe go ema mo lefelong leo. Le fa go ntse jalo, mapolotiki a ngongoregetse molao oo ba supa o kare tshetlana eo e ntse e seyo mo molaong wa ditlhopho. Rre Gaopalelwe Ronalne a re o ipotsa gore ke eng ba itseetse ditshwetso ka go fetola molao o o ntseng o le teng ka gore bone ba itse gore ga go aparwe mmala ope o o tshwanang kgotsa o tsamaelanang le wa phathi epe ka letsatsi la ditlhopho. A re mme e bile setshaba se setse se tlwaetse ntlha eo go sena mathata ape, jaanong ba tsile go ba tlhakatlhakanyetsa dilo Rre Rapoo o gwetlhile mapolotiki le setshaba ka kakaretso go bala molao wa ditlhopho le wa lefatshe ka kakaretso gore ba nne le kitso ka yone, le gore ba kgone go tlhalosetsa bao ba tlhokileng lesego la go itse go bala le go kwala. Bangwe ba ngongoregetse bontlhophang bangwe ba ba ipapaletsang ditlhopho ka dikoloi tsa puso, ba bo ba kopa gore batho ba go nna jalo ba tseelwe dikgato ka ba senyetsa setshaba. E ne yare a tsibogela ntlha eo, mothusa molaodi wa Okavango, Rre Tshepo Mogojwe a tlhalosa fa molao o sa letle gore didirisiwa tsa puso go akarediwa dikoloi di tseye karolo mo sepolotiking. A re fa go ka tswa go na le ope yo o dirang jalo, go itsisiwe ofisi ya gagwe. Rre Mogojwe a re mo dingwageng tse di fetileng, badirela puso ba ba neng ba amogela ka letsatsi ba ne ba letlelesega go tsaya karolo mo sepolotiking, mme ka ntlha e nngwe ba bereka puso, ka jalo yare ka 2008 ga emisiwa. A re badirela puso botlhe ba laolwa ke molao o o tshwanang o o sa letleleleng modirela puso go tsaya karolo mo sepolotiking. Mme Christinah Sesinyi wa lekgotla la ditlhopho o boleletse bontlhopang ka ditlhabololo dingwe tse di solofetsweng mo ditlhophong tse di tlang. A re tsone ke go tlhopha go ya ka go latelelana ga maina a batlhophi, go nna teng ga batho ba ba tla a thusang batlhophi pele fa Ba tsena mo teng e le go leka go fefosa tiro ya tlhopho ka letsatsi leo. BOKHUTLO politics 7 Ditso tsa merafe e e kwa Kgalagadi Kgaolo ya Kgalagadi e kwa borwa bophirima jwa lefatshe leno, e namile le melolwane ya lefatshe la Aferika Borwa. Kgaolo e e kgabile ka sekaka se se nang le ditotoma tse dintle tsa metlhaba kwa metseng ya Struizendam le Khawa. Ke nngwe ya dikgaolo tse di tumileng thata ka thuo, bojanala le makgabisa naga ga mmogo le ditso tse di farologaneng mme fela go sa ntse gole gonnye mo go itseweng ka merafe ya kgaolo eo. Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Richard Toto a re morafe wa gagwe o tlholega kwa lefatsheng la Aferika Borwa kwa Kudumane, kwa goo Motlhware. A re ba dule koo ka dingwaga tsa bo 1810 ba tshaba dintwa tsa maburu mme ba tla ba felela mo kgaolong ya Kgalagadi. Fa a tlhalosa, Rre Toto a re go tsile pele morafe o mo go seo sebaka o neng ole ka fa tlase ga bogogi jwa ga Kgosi Moraladi, yo o neng a tla a thibelela mo motseng wa Maubelo. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa morago go ne ga tla Kgosi David Toto 1, yo e rileng ka ngwaga wa 1937 a tlhongwa kgosi ya merafe e metlhano, ebong wa Batlhware, Bakgalagadi, Makhalate, Bakgothu mme morago ga tla morafe wa Baherero o o neng wa fitlha wa thibelela kwa motseng wa Omaweneno, mme mo go tsamayeng ga nako ba kgaogana ba bangwe ba ya Draihoek fa ba bangwe ba ya Makopong. A re go tlhalosiwa fa leina Omaweneno go tewa borakanelo, ka foo e le teng fa morafe wa Baherero o kopanetseng teng. Kgosi Toto a re fa go ntse go tsamaya go ne ga tla morafe wa Barolong o o neng o tlholega kwa Morokweng kwa Aferika Borwa, o o neng wa feta wa nna kwa Makopong le morafe wa Baherero mme ka ntlha ya go ata ba anama le metse ka go farologana ba bangwe ba ntse ba gokagana le masika a bone kwa kgaolong ya Borolong. A re morafe wa Barolong ke morafe o o binang tholo. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa e rile mo go tsamaeng ga nako ga tla Batlhaping ba tswa kwa Taung, kwa Aferika Borwa mme ba feta ba nna kwa motseng wa Kisa, mme fela le bone ba phatlalala le kgaolo ka ntlha ya go ntsifala le go batla lefelo le ba ka ruelang mo go lone. A re go na le merafe e mengwe e tshwana le ya Bakgothu ba ba tlholegang kwa Nosopo le Baherero ba ba tlholegang kwa Windhoek, kwa lefatsheng la Namibia, fa morafe wa Bakhalate o tsile mo Kgalagadi go tswa kwa lefatsheng la Aferika Borwa, a gatelela ka gore fela bone ga ba bantsi jaaka merafe e mengwe. Kgosi o ne gape a supa fa e rile mo go gorogeng ga merafe ba bo ba tlotlile go itshetsa ka temo thuo le go tsoma. A re merafe e tshwana le Baherero o dumela thata mo go ruweng kgomo. Fa a tlhalosa ka bogosi jwa morafe, Kgosi Toto a re kgosi ya pele ebong Kgosi Moraladi, o ne a sena bana ba basimane mme mo dinakong tseo ngwao ene e sa letle gore mosadi e ka nna kgosi, ka jalo bogosi bone jwa fetisediwa kwa go Rre Seole yo e neng ele mogwe wa gagwe. A re Kgosi Seole o ne a tlhalosediwa fa a tla bo a direla ka fa tlase ga mohumagadi wa gagwe ka bogosi ese jwa gagwe. A re Kgosi Seole o ne a tlhalosetswa fa go na le kgosi e e tla tswang kwa Aferika Borwa go tla go tsaya bogosi mme se sa seka sa mo itsa go dira tiro ya gagwe ka botswapelo. O ne a tlhalosa fa e rile ka ngwaga wa 1937 Kgosi David Seetelo Toto a goroga le boora Kgannyeng ba a neng a ba nyaletse e bile e le bone ba mo godisetseng mme ba feta ba ya go thibelela kwa Maleshe, mme morago Rre Kgannyeng a mo tsaya a mo isa kwa Tsabong gore a ye go tsaya setilo sa gagwe. O tlhalositse fa Rre Peter Pego Toto a ne a tlhomiwa go nna mokwaledi wa gagwe. Fa a tlhalosa, Kgosi Toto a re Kgosi Moraladi e ne le rragwemogolo Kgosi David Seetelo Toto wa ntlha, ka jalo ke ene a neng a lebanwe ke bogosi jwa morafe oo. A re ka ngwaga wa 1968 Kgosi Seetelo Toto wa ntlha o ne a tlhokafala mme bogosi jwa tsewa ke Charles Sephiri yo o neng a dira ka nakwana mme morago a fitisetsa bogosi kwa go Daniel Kaartze yo o neng a tlhokafala ka ngwaga wa 1989. Kgosi a re morafe o ne wa nna sebaka sa dingwa di le pedi o sena kgosi mme morago Kgosi Seetelo Toto o ne a kwala lekwalo a supa fa a batla bogosi ka e ne e le jwa ga rragwemogolo mme ya re ka ngwaga wa 1990 a tlhomiwa kgosi. A re Kgosi Edwin Ntau o ne a bewa ele mothusi wa gagwe yo o neng a tlhopiwa ke morafe ba mo tlhatlosa maemo go tswa kwa bogosaneng; mme ya re ka wa 2002 kgosi Ntau a tlhokafala. Kgosi o ne a tlhalosa fa morafe o ne wa supa fa o sa batle kgosi e e itlhopetsweng ka jalo boora Toto ba kopana go ntsha motho yo o tla yang yo thusa Kgosi David Seetelo Toto yo e leng moemedi wa Kgalagadi kwa ntlong ya dikgosi. Rre Richard Tlharesakgotla Toto a re o ne a tlhomiwa go nna mothusi wa ga Kgosi Seetelo Toto wa bobedi ka ngwaga wa 2003 mme le mo go seno sebaka a sa ntse a direla morafe wa gagwe ka botswerere le bopelokgale. O kaile fa kgosikgolo e le motho yo o nnang a tshwaregile ka jalo e le boikarabelo jwa gagwe go tlhokomela batho ba gagwe. Kgosi Toto o ne a feleletsa ka go gwetlha batho go ithuta ditso tsa merafe ka go farologana segolobogolo tsa merafe e mennye, a re batho ba tshwanetse go dirisa dinako di tshwana le bo Khawa Dune Challenge go ithuta ditso tsa merafe ka go farologana mo Kgalagadi. education 4 Bagolo ba nyoretswe thuto Bontsi jwa bagolo kwa motseng wa Machaneng mo kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami, ba supile fa ba na le kgatlhego ya go tshelwa lesedi la thuto mme sebe sa phiri e le letlhoko la motlhatlhelela dithuto mo sekolong sa thuto ga e golelwe. Fa a bua mo potsolotsong, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Gidion Sekoto a re dipalopalo tsa bagolo ba ba etelang ofisi ya bone gangwe le gape go tla go botsa ka seemo sa ikwadiso mo thuto ga e golelwe, di supa fa ba nyoretswe thuto. A re mme mo nakong ya gompieno, ga ba ise ba nne le ka fa ba ka ba thusang ka teng gore ba bone morutuntshi, gonne ene le maloko a mangwe ba sa ntse ba le magorogo masa mo ditilong tsa VDC. Rre Sekoto a re le ntswa seemo se eme jalo, go a itumedisa ka go supa fa bagolo bao ba lemoga botlhokwa ja thuto. A re motlhatlhelela dithuto wa pele o ne a tlogela tiro ya gagwe ngwaga o o fetileng, morago ga go bona mafulo a matalana golo gongwe mme go tloga foo ga go ise go nne le ope yo o nnileng le kgatlhego ya go mo tsaya tema. O ne a kgothatsa botlhe ba ba nang le keletso ya go tsena thuto ga e golelwe go nna pelotelele go fitlha seemo se rarabologa. Go sale foo, mongwe wa baithuti ba ba neng ba le mo sekolong pele se tswalwa, Mme Keotsenye Mokwena, yo o dingwaga tse di masome a matlhano le boraro, o kaile fa pelo ya gagwe e le botlhoko ka lebaka la go ema ga dithuto tsa gagwe. A re o ne a dira go nametsa mo dithutong tsa sekgoa, Setswana le dipalo. Mme Mokwena a re o eletsa go bona a tsweledisitse fa a emeng teng gore e re ka ngwaga wa 2016 fa go buiwa ka tshaba e e rutegileng e bile e na le kitso, a bo e le mongwe wa tshaba eo. O kaile fa mo bonnyeng jwa gagwe a ne a tlhoka lesego la go tsena sekolo sentle mme a re o ne a sa ntse a solofetse go le go ntsi mo thuto ga e golelwe. Le fa go ntse jalo, le ene o ne a gwetlha bangwe ka ene go nna pelo telele go fitlha seemo se boela mannong. O supile fa eletsa gore nako e sekolo seo se bulwang gape, go bo go sa rutwe go bala le go kwala fela mme go nne le dithuto tsa ditiro tsa diatla. A re se se ka ba rotloetsa go supa ditalente tsa bone le gone go ithuta mo go ba bangwe, ka Setswana sere, ‘dilo makwati di kwatabololwa mo go ba bangwe’, mme le bone ba kgone go tsoga ba itshetsa ka tsone ditiro tseo. BOKHUTLO education 4 Ba Radisele ba tlhagisiwa ka Ebola Mooki wa kokelwana ya Radisele Mme Onkemetse Moemedi o tlhagisitse banni ba motse o o go nna le kitso ka botlalo ka bolwetsi jo bo tlhagogileng e bile go bolelwa bo le diphatsa jwa Ebola. Mme Moemedi a re le ntswa bolwetse jo bo utlwalelwa kwa mafatsheng a a kwa godimo a Afrika go botlhokwa gore setshaba se nne le kitso e e tletseng ka bolwetse jo le go fokotsa dipego tse e seng tsa boammaruri tse di buiwang ka bolwetse jo tse di ka ba tshedisetsang mo letshogong. O buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng ya Radisele bosheng. O tlhagisitse setshaba go ikgaola mo mesepeleng ya go ya kwa mafatsheng a a amegileng , a DRC, Nigeria ga mmogo le go begela ba bongaka fa ba itse bangwe ba ba tswang kwa mafatsheng a o e ka tswa e le baeng kana ba masika a bone gore ba tlhatlhojwe le go bewa leitlho ke ba botsogo. A re e re lentswa go le jalo lephata la botsogo le eme malala a laotswe go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go laola seemo go thibela gore bolwetse jo bo seka ja fetela mo lefatsheng leno. O gwetlhile batsena phutlhego eo gore ba itse dikai ka botlalo jwa bolwetse jo, ka go lebega ba bangwe jaanong ba tshelela mo letshogong ebile ba na le go itebatsa gore go na le malwetse a mangwe ka e re fela ba bona dikai dingwe ba bo ba ba tla ba tabogile ba kopa go tlhatlhobelwa Ebola. Are dikai tsa bolwetse jo di akaretsa go tswa madi ka diphatlha tsotlhe tsa mmele e ka nna dinko,ditsebe,matlho, bosadi, mogote o o kwa godimo, ditlhabi mo mmeleng, tlhogo e e opang, go selelega, go kgwa le go tshabisega. O tsweletse ka go tlhalosa fa bolwetse jo bo senang kalafi jo bo tshelanwa ka kamano le madi a motho yo o amegileng gammogo le tlhakanelo dikobo. Bolwetse jo bo maswe ka mogare wa jone ga o swe ka jalo fa motho a tshwarwa ka one a kgethololwa ka go tsenngwa mo kwarantining. E rile a tswa la gagwe Kgosi Christian Ntebele a leboga ba bongaka go rarabolola dipotso le matshwenyego a ba ntseng ba na le one tebang le bolwetse jo. Mo go tse dingwe banni ba ne ba supa fa ba tshwenyegile fela thata ke seemo se se sa itumediseng sa go latlhela ga metseto ya sesha gongwe le gongwe selo se ba tlhalositseng fa se leswafatsa tikologo. Mongwe wa batsena phuthego e, Mme Bina Baitirile a re o itemogetse gore e le batsadi le bone ba na le seabe mo tirong e ka e le bone ba ba bayang botsetsi, ka jalo ba na le maikarabelo a go itse kwa metseto ya bana ba bone e latlhelwang teng. A re go a swabisa gore ka fa go buiwa ka metseto ba bo ba sa tswe molomo a tlatsa ka go tlhalosa fa sephiri le go didimala go sa thuse go fema seemo se. BOKHUTLO health 6 Lesenepole o batla tharabololo ya bogosi Banni ba Lesenepole mo kgaolong ya Tswapong ba kopile gore ba beelwe kgosi. Fa ba bua mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa Lerala/Maunatlala Rre Prince Maele ka Labone (Phalane a le malatsi a le marataro), banni ba motse oo ba re ba na le matshwenyego ka go setse go le lebaka le le leele ba ntse ba sena kgosi. Ba re kgang ya bogosi jwa motse wa bone e tsere lobaka lo lo leele go rarabololwa ka jalo morafe o a sokola fa o tlhoka ditirelo tsa kgosi. Ba re kgosi ke yone tlhogo ya morafe mme fa e seyo morafe ga o kake wa itsamaisa sentle ka gore ba makgamu a mabedi, ba ba dumelang mo leineng la Matolwane le ba leina la Lesenepole. Ba re le fa ba thusiwa ke dikgosi tsa metse e e mabapi, ga go a lekana ka gore go sokodisa morafe go latela ditirelo koo. Ba re morafe o tlhoka tlhogo e e ba gogang ka jalo dikgosi tse ba nang natso mo motseng di lekana ka maemo ka jalo go nna bokete gore ba tseye boikarabelo ja go goga motse. Mo go tse dingwe banni ba lebogetse mopalamente wa bone go bo a ile a ba fa mpho ya dijo tsa boipuso tsa madi a kanang ka P2 000. Fa a tswa la gagwe Rre Maele o solofeditse go isa kgang ya bone ko go tshwanetseng gore e rarabololwe, mme a tlhalosa fa a sa batle go tsena mo kgannyeng e e bile a sa batle go tsaya letlhakore lepe ka kgang e e na le ba ba lebaneng go e rarabolola. Mo go tse dingwe Rre Maele o ile a ba lekodisa ka melao e e dirilweng mo palamenteng e e fetileng. E re dikgang di eme jalo, ko motseng wa Moremi Kgosi Tshito Days o lebogetse mopalamente Rre Maele go ba fa boipuso mo godimo ga se puso e se fileng motse wa gagwe. Kgosi Days a re boipuso ke selo se se botlhokwa se se tshwanelwang ke go somarelwa mme a kopa banana ba lefatshe leno go somarela boipuso jo fela jaaka bagolo ba pele ba dirile. O ile a lekodisa Rre Maele fa tiro ya kago ko lefelong la bojanala la Manonnye e tsweletse fela sentle e bile e tlhamile ditiro tse mo go tsone go thapilweng banana ba feta masome a matlhano. O ile a rotloetsa morafe wa gagwe go dirisa mananeo a puso go intsha mo lehumeng. Kago ya diofisi tsa kgotla e e dirwang ka lenaneo la ESP le yone go ile ga tlhalosiwa fa e tsweletse sentle ntswa e ile ya salela ko morago. society 9 Selelo o inosa moro ka petlwana Batswana ba tsweletse ka go inaakanya le ditiro tsa diatla go itshetsa. Rre Khutsafalo Selelo, yo o tlholegang kwa Lesenepole kwa kgaolong ya Legare, ke mongwe wa ba ba bontshang gore go tlhoka go nna ka diatla go ka ntsha motho mo tshotlegong. Mo potsolotsong, Rre Selelo o boletse fa botshelo jwa gagwe bo ikaegile ka go betla di dirisiwa ka go farologana. O betla megopo ya Setswana, dikika, metshe, dipora, mafetlho, dintshwana, diphologotswana tse di kgabisang kana sepe fela se a bonang se ka betlega. Rre Selelo, yoo dingwaga di masome a mane le borobabobedi, a re o tswa kgakala a rata petlo jaaka a sale a e ithuta ka ngwaga wa 1988. Rre Selelo a re kgatlhego ya go betla e tsile fela nako nngwe a nna e re a bona sengwe a bo a se akanyetsa gore se ka lebega jang fa se dirilwe ka legong, mme a bo a lekeletsa. E re jaaka rre yo a re o feletse ka lekwalo la bobedi fela kwa sekolong ka ane a kgaopediwa ke batsadi a isiwa kwa morakeng go ya go disa leruo, a re o ne a lemoga fa a sena bokamoso mme a inaakanya le petlo go ka itshetsa. Le fa ntswa go sa rekwe thata jaaka motho a ka akanya, Rre Selelo a re o kgona go tshetsa ba lelwapa la gagwe ka lemme le a le boning, a tlhalosa fa go rekwa thata dintshwana le diphetlho ka jaana di se turu. O tlhalositse fa gantsi a rekisetsa kwa Lesenepole mme a re ofisi ya banana e tle e mo laletse go ya go rekisa kwa Palapye fa go na le ditshupo. Rre Selelo a re o fenntse dietsele kwa ditshupong makgetho a le mmalwanyana. “Dingwe tsa ditshupo tse ke neng ka fenya morago ga gore ke itsotsolopanye ke betlile mogopo wa Setswana, kika, motshe le sepora ke tsa ngogola tsa bo mmaboipelego tse di neng di tshwaretswe kwa Palapye, mme ka tsaya maemo a ntlha ke bo ke fetela kwa Mahalapye kwa ke fetileng ke fenya gape,” a tlhalosa. A re keletso ya gagwe ke go godisa kgwebo ya gagwe, ke ka moo a reng o inaakantse le ba ba maleba go leka go batla dithuso tsa madi. O supile fa a eletsa go ipona a na le di mechini tse di tona, tse di ka mo thusang go betla dithoto tse dikgolwane jaaka ditafole tse a dumelang gore di ka mo direla letseno le le botoka. A re mo bogompienong, o dirisa dibetli tsa Setswana di akaretsa kgaba le petlwana mme a lela ka gore di dira tiro bonya ebile di tsenya dingalo. Rre Selelo a re o santse a busediwa kwa morago gape ke letlhoko la serwadi ka jaana a rema ditlhare tse di omeletseng kgakala le masimo a Makojwe a a direlang kwa go o ne. A re gantsi o dirisa setlhare sa modumela go betla, mme a re se bonwa kgakala thata ke ka moo areng o batla go thapa bangwe go mo thusa go rema le go rwala. O gakolotse babetli go tswela mo pontsheng gore ba itsege le bone ba kgone ba itshetse ka diatla tsa bone. A re ene o setse a na le ditlankana tse tlhano selo se a reng se supa gore go tswela mo lebaleng go mmereketse. society 9 Bagwebi ba rotloediwa go obamela melao Bagwebi ba bojalwa kwa kgaolong ya Kgatleng ba rotloeditswe go obamela melao ya thekiso ya bojalwa ka morafe o ngongorega thata ka madirelo a bone. Fa a bua kwa thuto-puisanong ya barekisi ba bojalwa le badiragatsi ba molao kwa Mochudi ka Labobedi, Mothusa moeteledipele wa komiti ya taolo bojalwa ebile gape e le mokhanselara wa Boseja Borwa, Rre Gomolemo Gouwe, o boletse fa barekisi ba bojalwa ba tshwanetse go itse fa ditshwanelo tsa malwapa a ba bapileng le one di sa tshwanela go gatakiwa. O kopile beng ba dikgwebo gore ba nne le tirisano mmogo le bogogi jwa motse le ba ba bapileng le bone go itsa dikgang le go tswalwa ga dikgwebo tsa bone. A re fa marekisetso a ka otlhaiwa gararo, komiti ya taolo bojalwa e na le thata ya go gapa setlankana sa teseletso le gone go ka isa motho kgolegelong. Rre Gouwe o kopile beng ba marekisetso a bojalwa go emisa go rekisetsa bana ba ba kwa tlase ga dingwaga bojalwa ka ba felela ba senyegetswe ke bokamoso. O tlhalositse fa go letlelesega gore morekise a kope omang mo mongweng fa a lebega a le mmotlana go itsa go itsenya mo molatong,a tlatsa ka gore bana ba dikolo ba felela mo marekisetsong a bojalwa fa dikolo di tswala. A re go sa obameleng dinako tsa thekiso ke nngwe ya tse di tla felelang di diga dikgwebo tsa batho ka ba tla tseelwa ditshwetso tse di gagametseng kgatlhanong le se ba se dirang. O rotloeditse barekisi go ikatametsa diofisi tsa khansele ka nako tsotlhe go kopa thuso le go itse ka molao wa dikgwebo tse ba leng mo go tsone. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa ofisi ya khansele ya tiragatso molao, Rre Augustine Kaisara o tlhalositse fa tiro ya khansele e le go sireletsa bo beng ba dikgwebo le ba ba seng mo dikgwebong. O kopile beng ba marekisetso a a nang le tetla ya go letsa gore ba seka ba ntshetsa diletso kwa ntle go kgona go laola modumo. A re go rekisa ka seokomela bagwe mme e ise e nne nako ya go rekisa ke molato fela o o ka tsenyang motho mo kgolegelong, a tlatsa ka gore dinako tsa thekiso ya bojalwa di okeditswe. Kgosi Segale o tlhalositse fa go na le selelo sa dipolaano, botlhoka tsebe le tse dingwe mo motseng ka ntateng ya nnotagi. A re khansele e tshwanetse go gagamatsa molao mo go botlhe ba ba sa direng dilo ka tsamaiso, a tlatsa ka gore marekisetso a bojalwa a mantsi mo masimong le mo merakeng mme ga ba tseelwe dikgato. A re dinako di tshwanetse tsa salwa morago ka marekisetso a leletsa dipina tsa bone kwa godimo fela thata.BOKHUTLOSource:Author:Location:Date:more news »Main LinksNetworksSocial NetworkUseful LinksServicesContacts society 9 Gasekgalo e abela batlhoki le bana Mookamedi wa khamphane ya Gasekgalo Investment, Rre Desire Sapula, a re go abela ba bangwe ke go ba fa tshepo. O buile se fa khamphane eo e abela batlhoki bangwe le bana ba le bane ba ba dirileng sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa ba dikolo tsa Letlhakeng ka mafelo a beke. Rre Sapula o tlhalositse fa a rutilwe go aba ke batsadi ba gagwe, a tlhalosa fa ka dinako tse dingwe ba ne ba kgona go tlhoka dijo mo lwapeng ka ntlha ya gore batsadi ba gagwe ba ne ba di abile. A re o bone go le botlhokwa go abela bana le batlhoki bao, ka jaana banni ba Letlhakeng ba ne ba eme nokeng kgwebo ya batsadi ba gagwe ya go dira ditena le go rekisa motlhaba. O boletse fa mogopolo wa go aba o sale o mo tletse ka ngwaga wa 2010, mme a ne a sa kgone ka ntlha ya ditsompelo. O tlhalositse fa a abela bana ba ba dirileng sentle gore a ba rotloetse mo dithutong tsa bone. Batsadi ba bone ba ne ba fiwa P1000 mongwe le mongwe. Rre Sapula o ne a abela batlhoki dikobo le dijo go ya ka letlhoko la bone, a bo a tlhalosa fa a sa abe ka ntlha ya gore o humile, mme a leboga batsadi ba Letlhakeng go rotloetsa kgwebo ya gagwe. Rre Sapula o tlhalositse fa a dirisitse P13000 go reka dimpho tsa dikobo, dijo, dikipara le madi a a abetseng bana ba ba pasitseng. Mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Friction Leuwe, o ne a lebogela Rre Sapula le khamphane ya gagwe tiro e ntle e ba e dirileng, a supa fa e le kgolo thata. O ne a kopa batsadi go rapelela Rre Sapula gore kgwebo ya gagwe e gole gore a tle a dire se se fetang nako e e tlang. Mogolwane wa lekalana la boipelego kwa Letlhakeng le ene fela jalo o ne a lebogela Gasekgalo tiro e ntle e e dirileng, a bo a kopa ba ba abetsweng go dirisa dimpho tsa bone sentle. Modiri wa Gasekgalo Investment, Mme Dineo Masuga, o ne a leboga batsadi ba ba neng ba tsile go ba rotloetsa mo tirong eo ka dipalo tse dintsi. A re ba simolotse tiro ya go aba ngogola, mme a leboga fa monongwaga go supagala fa ba godile. society 9 Mapodisi a ikuela mo baruing Sepodisi sa Kgatleng mmogo le lephata la twantsho matlhoko a leruo ba ne ba tshwere pitso ya go lwantsha bogodu jwa leruo kwa polaseng ya Masama ka Labotlhano. Moono wa pitso e ne e le tsela nngwe ya go ikuela mo baruing gore ba tlhokomele leruo. Mogolwane wa mapodisi, Senior Superintendent Kevin Mookodi o tlhalositse fa dikotsi tsa dikoloi tse di bakiwang ke leruo di wela tlase mme di ntse di sa nametse ka ntata ya go saila ga leruo mo ditseleng. O boletse fa ka 2015 ba ne ba gatisa dikotsi di le lekgolo le bobedi mo Mochudi fela mme ngogola di wetse tlase go ya go masome a ferabobedi le bosupa mme a kaya fa e ntse e le dipalo tse di kwa godimo. Senior Superintendent Mookodi o kopile barui go tlhokomela leruo gore le seka la saila mo ditseleng, segolo bogolo tsela ya A1 ka e na le motsamao o montsi bosigo. O supile fa ba ageletse ditsela go kganela leruo go tsena mo ditseleng mme di ntse di tsweletse di bonala mo ditseleng go supa fa sengwe se sa tsamae ka fa tshwanelong. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa temo-thuo, Mme Babusi Hill o tlhalositse fa kgomo e le botshelo jwa Motswana. Mme Hill o boletse fa barui ba tshwanetse go tshwaragana le banni gore ba tle ba thusane ka tsa ntebele ke go lebele go hema bogodu jwa leruo, a tlatsa ka go re go itsane le go itsisisane ba masika le ditsala go ka thusa go farologanya legodu le ba ba mo lwapeng. O kopile barui gore ba seka ba nna ka dikgomo di sa tshwaiwa mme e bile di saila mo mebileng ka magodu a ka di utswa mme a di fa letshwao la bone, a tswelela ka go re fa namane e le dikgwedi tse tharo e tshwanetse go tshwaiwa. Fa a tswa la gagwe, Kgosi George Thwane wa Artesia o lebogetse ba sepodisi le ba lephata la twantsho matlhoko a leruo go bo ba bone botlhokwa jwa leruo mo matshelong a Batswana, a tlhalosa fa kgomo e le yone e godisang itsholelo ya Botswana e sala morago diteemane. O tlhalositse fa barui ba na le kgolagano le leruo ka e le lone le ba tshedisang mme e bile a tlhalosa fa Batswana ba nna le boitlhobogo fa sengwe se diragaletse leruo la bone. Kgosi Thwane o tlhalositse fa magodu a tshwanetse go tseelwa tetla ya go itlhophela kwa ba sekang teng fa ba tshwerwe ka mmakaseterata a tsaya lobaka go sekisa, a tlatsa ka go re basupi ba felela ba tlhokafala pele ga tsheko mme bosupi bo latlhege. O tlhalosa fa barui ba sa duele badisa sentle mme badisa ba rekise leruo go ituela, a tlatsa ka go re moono mongwe fela gore morui a itse leruo la gagwe, a seka a fa modisa a le nosi morwalo wa go itse leruo lotlhe. Mogolwane wa komiti ya thibelo borukutlhi mo Kgatleng, Mme Naomi Lekgabe o tlhalositse fa tshwaragano ya motia gareng ga badisa le barui e le konokono mo go kganeleng bogodu jwa leruo, a tlatsa ka go re ga go na se se ka bakang bogodu fa lerato le le teng. O boletse fa badisa ba le botlhokwa mo ntweng kgatlhanong le bogodu jwa leruo ka ke bone ba tlholang le dikgomo kwa merakeng beng ba tsone ba le kwa magaeng. Mme Lekgabe o kopile gore barui le badisa ba ikopanye le bone go thusanya ka maano a go kganela bogodu, a tlatsa ka go re gongwe maano a ba nang le one ga e sa tlhole e le a motia jaanong ba tlhoka a masha a a ka itseweng ke badisa le barui. O rotloeditse gore gongwe le gongwe fa botshelo jwa motho bo leng teng, e ka tswa e le masimo, moraka le kwa gae, go tshwanetse ga nna le ntebele ke go lebele ka magodu a kgona go ipaya e kete ke beng gae. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Balemi ba rotloediwa go lema dijalo tse di lebaneng Balemi ba kgaolo ya Kgalagadi Borwa ba rotloeditswe go lema dijwalo tse di siametseng kgaolo ya bone.Thotloetso e, e dirilwe ke moanamisa mafoko mo lephateng la temo thuo Rre Manguba mo puisanong le ba lekalana la dikgang la BOPA bosheng. Rre Munguba o ne a tswelela ka go tlhalosa fa mo ngwageng ono balemi ba le 280 ba ne ba tsibogela go lema fa go tshwantshwanngwa le ba le 305 ngwaga oo fetileng.Moanamisa mafoko mo lephateng la temo thuo are le ntswa balemi ba dirile maiteko a go lema ba swabisitswe fela ke gore balemi ka bontsi ba lemile diekere tsa mmidi di le dintsi, A supa fa ba sa rotloetse gore o ka lengwa ka o sa dire sentle mo kgaolong ya bone.O kaile fa mmidi o tlhoka metsi a mantsi ka o tshabelelwa ke mogote selo se a reng se tshabelela kgaolo eo a bo a re gantsi pula e na e le boutsana le gore e na morago ga nako. Rre Peter Manguba o kaile fa dinawa le sika loo magapu di dira sentle mme are ba tswa kgakala ba rotloetsa balemi gore baka di lema.Are mo nakong ya gompieno dijwalo di tlhogile, go a akgathlisa e bile go na le tsholofelo e kgolo. Are mo nakong ya gompieno ba setse ba lekantse diekere di le 298.19 tsa mmidi, dinawa 259.97 fa magapu le marotse e le 67.67 go simologa kwa Struizendam go fitlha kwa Kokotsha.O ne a supa fa bontsi jwa balemi ba dirisa diterekere fa bangwe ba dirisa ditonki. Lefa go ntse jalo Moanamisa mafoko a temo thuo o akgoletse balemi ba kgalagadi borwa go bo ba tseela temo kwa godimo ka masimo a bone a kgatlhisa ka ba dira maiteko a go a tlhagola otlhe le ntswa bangwe mo go bone e le bagodi.O kaile fa bontsi jwa balemi maikaelelo a bone e le lemela go jela mo ganong fa ba le palo potlana fela ba lemela go rekisa bogolo jang dikole tse di potlana ka puso le yone e rotloetsa gore bana ba je dijo tsa setso le gore go ba tsholetsa balemi. Rre Manguba o ne a gakolola balemi gore fa dijwalo tsa bone di ka sha di ise di gole ba di robe gore ba dire furu ee tla ba thusang mo loruong la bone.Kwa bofelong o ne a gwetlha setshaba ka kakaretso go ema ka dinao ba inaakanya le temo thuo ka e ka thusa thata mo go ntsheng dijo mo lefatsheng leno, le gone go tlhamela ba bangwe ditiro ka puso e ka seke e kgone e le nosi. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Sesame o semeletse ka ditlhabololo Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo ya Sesame Kagiso kwa Selebi Phikwe, Rre Dithapelo Moloi o supile fa ba semeletse go tlhabolola kgaolo jaaka kago ya mesele e e laolang metsi le go penta matlo mangwe a borutelo a sekole se sebotlana sa Joseph Anderson. Rre Moloi o ne a supa fa ba tshwenngwa ke gore ditiro tsa go nna jalo di abetswe boradikonteraka ba banana mme bontsi jwa bone ba sena dingwe tsa didirisiwa jaanong go le thata gore ba ka hirisa dingwe tsa tsone mo go ba ba setseng ba godile ka go le turo. Rre Moloi o ne a kopa gore go sekasekwe gore banana ba thusiwe ka didirisiwa tsa go nna jalo ka seo se ka dira gore dikompone tsa banana di kgone go gola di bo di itshetele. Rre Moloi o ne a kopa mopalamente go tlhoafalela go ngoka dikompone tse di ikemetseng gore di tle go bula dikgwebo mo Selebi Phikwe ka lehuma le letlhoko la mmereko di golela pele. Rre Moloi o ne a supa fa bangwe ba ne ba itshetsa ka go rentisa matlo a bone mme a setse a fetogile matlotla morago ga go tswalwa ga moepo wa BCL, a tlhalosa fa dingwe dikompone tse di neng di santse di setse mo Selebi Phikwe le tsone di simolotse go kgaola babereki. E rile a a kgwa modulasetilo dikgaba, Mopalamente wa Selebi Phikwe Bophirima, Rre Ditlhapelo Keorapetse a kopa bo radikonteraka ba ba setseng ba godile go thusa banana gore le bone ba kgone go gola ba bo ba ikemela ka nosi. Mo go tse dingwe, Rre Keorapetse o ne a supa fa SPEDU e setse e tlhamile ditiro tsa batho ba le makgolo a marataro masome a matlhano le bofera bobedi (658) mo kgaolong e e mo tikolong ya Selebi Phikwe mme seo se sa lekana. Rre Keorapetse o ne a lekodisa morafe wa Selebi Phikwe Bophirima fa melao mengwe e fetisitswe kwa palamenteng jaaka molao wa tiriso ya ditlhobolo le marumo a tsone, a supa fa mo nakong ya gompieno motho a ka seka a kgona go itirela dibetsa jaaka ditlhobolo kana go fetola sepe mo go tsone. Rre Keorapetse o ne a tsibosa morafe gore fa go na le mongwe yo o eletsang go fetola sengwe mo tlhobolong kana go e baakanya o tshwanetse go bona ba ba maleba pele ga a dira jalo. O ne a supa fa mo nakong e e fetileng ngwana fa a ne a na le dingwaga tse di lesome le borataro o ne a tsewa jaaka motho yo o nang le boikarabelo mo go tsa tlhakanelo dikobo. A re seo se fetogile ka molao o o amogetsweng ke palamente bosheng o supa gore mo nakong ya gompieno ngwana o neelwa boikarabelo jwa go tlhakanela dikobo a le dingwaga di le lesome le boferabobedi. Kwa bofelong bangwe ba batsena phuthego ba ne ba kopa mopalamente go bereka mmogo le Mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofo Molefhi gore ba bue ka lentswe le le lengwe gore ditlhabololo di kgone go goroga mo Selebi Phikwe. BOKHUTLO politics 7 Jesang leruo go tsholetsa dipoelo Mogolwane mo ofising ya
 LIMID kwa Bobonong, Rre Joel Morebodi, a re leuba la monongwaga le farologana le
la dingwaga tse di fetileng ka gore le tsile ka tshoganetso. Ka jalo go
botlhokwa gore barui ba tsibogele tlhokomelo ya leruo la bone, e se re kwa
morago ba lela sa khurano ya meno. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Morebodi o
kaile fa tsholofelo ya morui mongwe le mongwe e le go bona dipoelo tse di
bonalang ka nako ya thekiso. A re se se ka kgonafala fa barui ba ka tsaya thuo e le
kgwebo, mme ba lemoga botlhokwa jwa go jesa leruo gore le lone le kgone go ba
tlamela. Rre Morebodi a re leruo le le ipatlelang phulo le tsamaya
lebaka le le leele mo sekgweng ka jalo e re le boela mo lesakeng le bo le
feletswe ke maatla. O rotloeditse gore barui ba ba batlang go boelwa ke dipoelo
tse di nonneng mo thuong ya bone ba ikitee ka thupana, ba tlhwaafalele go jesa
leruo ka se se ka dira gore le nne mo seemong se se kgatlhisang ka dinako
tsotlhe. Rre Morebodi a re tebelopele e botlhokwa thata mo thuong ka
e thusa gore e re morui a bona dikai tsa gore leuba le tla le shenne meno, a
ipaakanyetse go le fapoga nako e sa le teng. A re se se ka dirwa ka go inaakanya le methale e mesha ya
thuo jaaka go fokotsa palo ya dikgomo ka go di rekisa, gore e re leuba le
tlhasela barui ba seka ba senyegelwa thata. Rre Morebodi o kaile fa go dira jaana go ka netefatsa gape
gore morui a bo a ipoloketse madi a a tlaa dirisang go rekela leruo dijo fa
leuba le tlhasela. A re go nna le leruo la palo e e kwa tlase ka nako ya leuba
go fema gore le tshabelelwe ke malwetse ga mmogo le go bopama. O akgotse barui ba Bobirwa go bo ba tsibogetse go lema dijo
tsa leruo di tshwana le lab lab. A re se se supa fa thuto e ba ofisi ya gagwe e
e neelang barui e sa wele fa fatshe. Rre Morebodi a re go botlhokwa go akgola gape barui ba bone
ba itekang ka go baya matlhare a dinawa le letlhaka ka go farologana gore e re
mo isagong ba di silele leruo. society 9 Banni ba tlotlomatsa moeteledipele Morafe wa Tsabong o supile fa moeteledipele wa lekgotla la Baruti mo Tsabong moruti Sejakgomo Sejakgomo a nnile le seabe se segolo mo go fetoleng le go tokafatsa motse wa bone le kgaolo ya Kgalagadi ka kakaretso. Ba kaile se kwa moletlong wa tsamaya sentle wa ga Moruti Sejakgomo o o neng o rulagantswe ka phutego ya kereke ya UCCSA e moruti Sejakgomo o neng a e eteletse pele. Moruti Sejakgomo gape e ne e le motlhokomedi wa dikereke tsotlhe tsa UCCSA mo Kgalagadi Borwa le bokone. Mongwe wa dibui kwa moletlong yo gape e leng leloko la lekgotla la baruti mo Tsabong moruti rre Nelson David o tlhalositse fa moruti Sejakgomo a ne a le lorato, boikobo,pelotelele,matlhagatlhaga mo tironga nale boamaruri ebile a ne a nale botlhale jo bo tshwanang le jwa ga kgosi Solomone wa mo Baebeleng. Moruti David o kaile gape fa moruti Sejakgomo a ne a nale botsipa jwa boeteledi pele ka a ne a dirisana le maphata ka go farologana le morafe ka kakaretso. Are se se ne sa ba rotloetsa ele baeteledipele ba dikereke go tshwaragana ka bo bone le morafe a supa fa kopano ele maatla e ba kgontsitse go fenya dikgwetlho tse di neng di rena mo Tsabong mme gape kopano e popa e ene ya thusa ka go tlisa kagiso le pabalesego mo motseng. Godimo ga moo Moruti David o supile fa ketelopele ya ga moruti Sejakgomo e kgothaditse baruti ba le bantsi go diragatsa maikarabelo a bone ele baruti mo dikerekeng le mo motseng. Fa a tsweletse ka go galaletsa ditiro tsa ga moruti Sejakgomo,moruti David o kaile fa moruti Sejakgomo e ne ele monna yo o tsepameng mo tumelong,a supa fa tumelo ya gagwe e ne e sa mo paledise tiro ka jalo go ne go nonotsha le tumelo ya bone. Fa a bua le ba tatediso ya dikgang,leloko la UCCSA mo Tsabong mme Dolly Cooper o tlhalositse fa moruti Sejakgomo e ne e le motsadi,tsala,ngwana godimo ga moo e ne e le modisa yo o molemo. O ne a tswelela a fa bopaki gore go tla go direla mo Tsabong ga ga Moruti Sejakgomo go ne ga mo tsosolosa mo moweng gape o ne a kgona go ikemela ka dinao a leka maano a fenya lehuma ka kgothatso ya ga moruti Sejakgomo. Mme Cooper o supile fa moruti Sejakgomo e ne e le motshereganyi a rata kagiso ke ka mo a kileng a gakolola badirela puso ba ba neng ba ngadile ditiro ka ngwaga wa 2011 gore ba boele ditirong ba lope ka boikokobetso e seng dikgoka le go ngala. O ne gape a tlhalosa fa tirisanyommogo le seabe sa ga moruti Sejakgomo sa go fetola Tsabong se ne se lemogiwa ke morafe ka kakaretso. A re ke sone se moruti Sejakgomo a abetsweng leruo ke magosi le makhanselara a pele,ebile morafe le dikereke ka go farologana di mo abetse dimpho tse di kgolo go mo tsamaisa sentle go ya Molepolole kwa a tla bong a direla teng. Cooper o kaile fa morafe wa Tsabong o ka se lebale Moruti yo ebile ba tla godisa tse di molemo tse a di jwadileng mo matshelong a bone. Moruti Sejakgomo o ne a lebogela kereke ya UCCSA le morafe wa Tsabong dimpho, kamogelo,tirisanommogo,tlhokomelo le kemonokeng e ba mo e fileng mo ngwageng tse thataro tse a di berekileng mo Tsabong. O tlhalositse fa se se mo thusitse go fitlhelela moono wa go godisa bakaulengwe mo tumelong,go kgothatsa le go tlhabolola matshelo. Godimo ga moo Moruti Sejakgomo o kaile fa a nale tumelo ya gore peo e a e jwadileng mo morafeng wa Tsabong e tla gola,mme o ba kgothaditse gore ba nosetse peo e ka lorato,boikobo,kagiso le go inaakanya le Modimo ka nako tshotlhe. O ne gape a kopa ba kereke ya UCCSA go fa moruti o o tlang mo leeemong la gagwe lorato,tlhokomelo,kamogelo,tirisanommogo le kemonokeng e ba neng ba mo e file,a supa fa se se ka kgona go godisa maduo a mantle a ba afitlheletseng ka fa tlase ga ketelopele ya gagwe. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Mapodisi a upolotse tshimo ya motokwane Mapodisi a Sojwe a tshegeditse banna ba le babedi morago ga gore ba fitlhele go lemilwe tshingwana ya motokwane. Mapodisi a tshwere ba belaelwa mabapi le tiragalo eo, ka Laboraro ko masimong a Kgalapotle go bapa le motse wa Boatlaname. Fa a tlhalosa tiragalo eo, mogolwane wa mapodisi a Sojwe, Inspector Theresa Ntusa a re e le ba sepodisi sa Botswana ba mo malatsing a masome marataro a go lwantsha borukutlhi. Mme fa go ntse jalo, ba kopile setshaba go dira le bone go ba loma tsebe mabapi le sepe fela se se ka belaetsegang e le borukutlhi. A re ke ka moo ba neng ba longwa tsebe ka masimo a kgalapotle, a go boletsweng fa go lemilwe setlhare se go belaetsegang e le motokwane. A re mapodisi ba ne ba ragogela ko masimong ao, mme ba ne ba fitlhela mmelaelwa, rre yo o dingwaga tse di masome mararo yo o tlholegang ko kgotleng ya Kubung ko Maun, yo go belaelwang e le ene a lemileng motokwane oo. Inspector Ntusa o tsweletse a tlhalosa gore go lebega tshimo eo, e na le mong wa yone, mme e adimilwe mmelaelwa wa bobedi, rre yo o dingwaga tse di masome matlhano le bobedi. O tsweletse ka go tlhalosa gore, e ne yare mmelaelwa wa ntlha a ba isa tshimong, ba fitlhela go na le ditlhare tse go belaelwang e le motokwane di le masome mabedi le botlhano di lemilwe, fa tlase ga petse le tse pedi tse di neng di setse di omeletse. Inspector Ntusa a re bokete jwa ditlhare tseo, ba sepodisi ba belaela bo ka tshwara masome matlhano a dikilogram, le fa ntswa ditlhare tseo di tla isiwa ko go ba ba kanokang gore ba kale bokete jwa tsone jo bo tlhomameng. Mmelaelwa wa ntlha, o tla bowa gape a lebisiwa molato wa go tsoma a sena teseletso, ka mapodisi ba fitlhetse letlalo la noko le kaleditswe mo setlhareng. Le fa go ntse jalo, ditlhotlhomiso di santse di tsweletse fa banna bao, ba santse ba tshegeditswe ke mapodisi. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Ngwanathebe o ipelega ka matlalo Mme Tumisang Ngwanathebe wa Makopong o dirisa kitso e a e amuleng mo go nkukuagwe go ipelega. Mme yo, a re o sale a inaakantse le kgwebo e ka 1992, a sena go fetsa Form Two kwa sekoleng se segolwane sa Motaung. A re o ne a ikopanya le ba Skins and Hides kwa Molepolole ka 2010, mme a tsena dithuto le bangwe ba le lesome le bone, a tlhalosa fa a ne a tswelela ka go ikoketsa dikitso mme a tsena ithutuntsho ya go tlhatlhoba kwa BOTA.Mme Ngwanathebe a re lephata la diphologolo le makgabisanaga le ne la mo isa ithutuntshong ya go tlhokomela bareki kwa BNPC mme ba mo solofeditse go mo isa kwa go ya go rutuntsha. Kwa ntleng ga go ikoketsa dithuto, a re o setse a fentse seetsele sa ditshupo tsa bomme makgetho a le mararo ka tatelano go simolola ka 2012. A re ba lephata la thuto go tswa kwa moding ba ne mo kopa go ruta bana kwa OSET kwa Kang, mme o setse gape a rutuntshitse ba bangwe ka fa tlase ga lenaneo la Nyeletso Lehuma kwa Molepolole. Mo nakong ya gompieno, Mme Ngwanathebe a re o rutuntsha bangwe kwa New Xade go roka le go suga matlalo. Mosimolodi yo wa khamphani ya Skins and Things Consultancy o tsweletse a bolela fa dithuto tsa suga le go roka matlalo di tsaya lobaka lwa dibeke tse thataro. O tlhalosa fa bomolemo jwa go latela baithuti e le gore o felela a ba lemotsha ka dimela tse di mo tikologong ya bone tse ba ka di dirisang go taka matlalo mme e bile di sa kgotlele tikologo. Mme Ngwanathebe a re tshugo ya gagwe e farologana le ya bogologolo ka jaana bagologolo ba ne ba dirisa boboko mme matlalo a nne le monko. Mme yo o suga matlalo a diphologolo tsa gae di tshwana le dipodi, dinku le dikgomo fa a diphologolo tsa naga a a reka. O tlhalositse fa a ne a kile a fiwa teseletso ya go tsoma diphologolo tse dinnye mme ka nako ya gompieno e emisitswe, a tlatsa ka go re o itomagantse le ba ba ruileng diphologolo tsa naga mme fa motsumi a sa tsaya letlalo ba a le mmeela. O boletse fa e rile ngogola a tsamaya le ba WIBA kwa Lesotho mme batho ba kgatlhegela beke ya gagwe ya dimpho e a e dirileng ka letlalo.Mme Ngwanathebe a re o setse a kile a rekisetsa batho ba ba bokgakaleng jwa Jeremane, China le India. A re diphate tsa gagwe tsa matlalo di rekwa thata kwa ga Mmangwato ka nako ya manyalo, fa dithebe tsone a di direla dikgosi jaaka a kile a e direla peo ya ga Kgosi Basadi Seipone wa Kang. A re lengwe letlalo le ne la rekwa ke banni ba Mogoditshane ba le rekela Kgosi Solomon Dihutso fa ba dikhansele bone ba reka mekgabisa ya mo maboteng. O tlhalositse fa maikaelelo e le go ipulela sekole sa ithutuntsho se se feletseng mme o setse a beilwe setsha sa kgwebo kwa Molepolole. “Matlalo ke teemane ya bobedi ya lefatshe, gone jaana dikhukhu tsa me tsa matlalo di rekilwe tsotlhe, mme e ne e le lantlha ke di dira,” ga wetsa Mme Ngwanathebe. economy_business_and_finance 3 Botshabelo o leboga Kgosi Mojuta Kgosi ya pele ya kgotlana ya Botshabelo kwa Selebi Phikwe, Mme Olebogeng Mojuta, o lebogetswe bonatla jo a bo supileng mo tirong ya gagwe. Kgosi Mojuta, yo o tlogetseng tiro ka bogodi, o sale a nna kgosi dingwaga di le masome mararo le bosupa tse di fetileng, mme a bereketse mo dikgotlaneng ka go farologana. Fa a bua kwa moletlong wa go tsamaisa Kgosi Mojuta sentle, mogolwane kwa kgotleng ya Botshabelo, Mme Lechezani Dubula o tlhalositse fa Kgosi Mojuta a ne a rata tiro ya gagwe ebile a e dira ka bokgabane. O boletse fa Mme Mojuta a le pelotelele ebile a kgona go letlanya batho le go ba fa dikgakololo. A re batho ba Botshabelo ba ne ba na le tshepo e ntsi mo go ene, ebile ba mo tlotla ka e le motsadi wa bone. Mme Dubula o tlhalositse fa ene le badiri ka ene ba tlaa dirisa dikitso tse ba di amuleng mo go Kgosi Mojuta go fa setshaba ditirelo. Mookamela mapodisi a Botshabelo, Superintendant Gothusamang Badubi o tlhalositse fa Kgosi Mojuta a ne a dirisana sentle le mapodisi. Supt Badubi o boletse fa Kgosi Mojuta a ne a thusa mo go feng badiri ba sepodisi dikgakololo gore ba kgone go dira tiro ya bone ka botlalo. A re ba tlaa tswelela ba dirisa dikitso tse ba di ithutileng mo go ene le go nna ba kopa dikgakololo tsa gagwe lefa a tlogetse tiro. Moemedi wa bagwebi ba toropo ya Selebi Phikwe, Rre Najumudeen Safiullah, o tlhalositse fa Kgosi Mojuta a thusitse thata mo kgolong ya dikgwebo tsa bone. A re o ne a kgona go letlanya dipharologanyo tsa babereki le bahiri le go tsisa botsalano le tirisanyo mmogo mo tirong. O tlhalositse fa botlhaga jwa ga Kgosi Mojuta bo dirile gore a kgone go atlega mo go agisanyeng setshaba ka nako tsotlhe. Mongwe wa bagolwane ba kgaolwana ya Botshabelo, Rre Kegope Molatlhegi o tlhalositse fa Kgosi Mojuta e le senatla, ka jalo a tshwanetse go galalediwa mo go ageng kgaolwana ya Botshabelo. O tlhalositse fa kgosi a fitlhetse Botshabelo a tletse ka botlhokatsebe mme a kgona go busetsa dilo mo tshiamong. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Mojuta o tlhalositse fa a simolotse tiro ya gagwe mo lekgotleng la Setswana e le mokwaledi ka ngwaga wa 1974. A re o ne a tswelela ka go tlhatlosiwa maemo go fitlhela e nna kgosi kwa Botshabelo ka ngwaga wa 1981. O boletese fa ka ngwaga wa 1982, a ne a fudusediwa kwa kgotleng ya Kagiso e ntse e le kwa Selebi Phikwe kwa a neng a dira dingwaga di le lesome le boraro. O tlhalositse fa a ne a boela kwa Botshabelo kwa a neng a dira dingwaga di le lesome le bosupa go fitlhela a tlogela tiro ka bogodi ngwaga o o fetileng. Mme Mojuta o ne a lebogela kemo nokeng le tirisanyo mmogo e a neng a e neelwa ke badiri ka ene le morafe wa Selebi Phikwe gore a kgone go dira tiro ya gagwe. A re le fa a ne a kopana le dikgwetlho mo tirong ya gagwe, o ne a kopa dikgakololo kwa bagolong. BOKHUTLO society 9 Bakwaledi ba thusa monni wa Palapye Mowa wa go atololela letsogo kwa go ba basaikgoneng e setse ele bontlha bongwe jwa ngwao ya Batswana, segolo jang fa bakopanye go ithona dinta ka ditsamaiso tsa ditlhabololo, jaaka erile bosheng bakwaledi ba maphata a puso ka go farologana b abo bakopanetse mo Palapye gotla go buisana ka ditiro tsa maphata a bone. Gofetseng dipuisano tsa bone tse ditsereng beke yotlhe, ba ne baikanapa gore batlogele motlhala kwa Palapye, mme ba ne ba kopa ofisi ya boipelego go ba tlela la leina la yo ba bonang a tlhoka thuso. Ka lesego, Rre Maleko Ntatelang wa dingwaga tse dimasome a ferang bobedi le bobedi (82) wa kgotla ya Serorome kwa Palapye e ne ya nna ene yo monwana o neng wa mosupa. Bakwaledi bane ba etle lelapa leo mme bafitlhela Rre Ntateleng yo onang le ngwana wa mosadi ale mongwe a ntse mo meriting wa setlhare ka tsholofelo ya gore batlile go fetola botshelo ja gagwe. Mme rre o ne a abelwa P10 406.00, ga bo ga simolodisiwa ntlwana ya boitiketso ke mokwaledi mogolo wa ofisi ya ga Tautona Rre Cater Morupise. Fa a bua mo boemong ja bakwaledi o ne a re fela jaaka Batswana le bone ba bone ele tshwanelo go tsenya letsogo mo ditirong tsa gothusa setshaba, mme a supa fa esetse ele tlwaelo go direla Batswana jalo ngwaga le ngwaga fa bakopane. One are lefatshe leno le ipeetse seelo sa gore le ka thusa jang Batswana ba basaikgoneng, mme puso ya tla ka lenaneo la nyeletso lehuma le Batswana , boradikgwebo , mekgatlho,dikomponele batho ka bongwe ka bongwe basa iponeng tsapa go atlololela letsogo mo go lone ka gofa batho seriti sa bonno jo eleng jone konokono mo botshelong ja motho. One are madi ao atswa mo dipateng tsa bone ka maikaelelo a godira pharologanyo mo botshelong ja ga Rre Ntateleng. Bontlha bongwe ja madi ao bone ja reka lebati le loko go ntsha le leleng lesa tswalege, a a setse bane ba a neela ba khansele go bona gore a dirisiwa sentle mo go tse di akantsweng. Ene erile gole pele kgosi ya Serorome Rre Samuel Maforafa a supa boitumelo are fa bagolo ba bona gotlhokega goka tsenya letsogo mo gotlhabololeng motho, b aba ngwe baka palelwa ke eng, ka gotswe “kgosi e are gotlhotsa malata a gogobe” Mme one a leboga bakwaldi fela thata, mme are le ene one a itlhaopela ngwana yo baneng bam o fiwa mme a kopa gore a a thuswe go feleletsa ntlo e a mo e a getseng ka go e penta. Erile a tswa la gagwe Rre Ntatelang a a tlhoka ale tlhaeng, mme aba ema ka lefoko are a kgalaleo e nne golona, ratanang le bo le Ratanele botshelo, fela jaaka le amile botshelo jame letsatsi leno,one a ba eleletsa botsogo jo bontle fa pele ga modimo. Mo mafokong a tebogo, mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Palapye, Rre Koti Molefhi one a solofetsa bagolo fa batlaa sala badira ka natla go bona gore Ntlwana ya boitiketso e a a giwa le gone go oketsa kamore e e teng gonna tse pedi. Rre Molefhi one are ene le bodiredi ja khansele bane bele mo le lwapeng le ka keresemose gotla go abela Rre Ntatelang e ngwana, mme a solofetsa gore tiro eo ya dikgao batlaa bob a efiditse mo dikgwed tse tharo. Morago bakwaledi bane ba etele kwa mmadikwele wa tsa borenyana mono Palapye BIUST) kwa baneng ba tlhalosediwa ka dithulaganyo tse di dirwa gore bana basimolole dithuto tsa bone le go supa fa dikago tse ele tsa maemo a a kwa gpdimo mme ditsweletse ka go agiwa bane ba tsamasiwa le dikago go di bone. society 9 Anglican e ipelela dingwaga tse di lekgolo le botlhano Tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slumber Tsogwane o kgothaditse bogogi jwa kereke ya St Paul Anglican mo Molepolole go nna boeteledipele jwa motia e bile bo na le tebelopele. Tona Tsogwane o galaleditse maloko a kereke e go bo ba nnile seopo sengwe go fitlhelela dingwaga tse di fetang lekgolo. A re o tlhaloganya fa ba nnile le leeto le le telele le le neng le tletse dikgwetlho, mme seo ga se a ka sa ba nyemisa moko ka ba ile ba nna le tshepo le tsholofelo e e ba gogileng go fitlha mo nakong eno. O lebogile bogogi jwa pele jwa kereke go bo bo ne jwa thoma motheo wa kereke wa motia o santseng o itsetsepetse. “Ke lebogela bogogi jwa pele jwa kereke go bo bo nnile le lerato le kitso tse di neng di na le tebelopele ya go goga phuthego go fitlha mo dingwageng tse re leng mo go tsone ka e bile re bona kereke e kgonne go anama le dikgaolo tse dingwe tsa lefatshe leno.” O ne a tswelela ka go supa fa kereke ya Anglican e nnile le seabe se segolo mo go tlhabololeng setshaba. O file sekai ka seabe mo go tsa dithuto ka e e ne ya thusa mo tshimolodisong ya sekole se sebotlana sa Canon Gordon mo Molepolole se se reeletsweng ka Moruti wa pele wa Anglican Canon Gordon. E ne ya re a tlhalosa ditso tsa kereke, lebutswapele la Anglican, Mme Nkhumo Beleme a supa fa e gorogile mo Molepolole ka 1911 mme e simolodisitswe ke mohumagadi wa pele wa Bakwena Mme Lenah Sechele. O supile fa mo nakong eo e ne e obamela mo kgotleng kgolo ya Bakwena ka ba ne ba sena lefelo la kobamelo mme mo tsamaong ya nako Kgosi Sechele wa bobedi a ba thusa ka go ba batlela lefelo le ba ka obamelang sentle mo go lone. Mme Beleme o tlhalositse fa ka 1916, Kgosi Sechele a ne a ba abela setsha fa go neng go na le letlotla la benkele. Bishop Beleme o ne a kopa gore meletlo ya mehuta o, e seka ya nna meletlo fela ya ipelo. “Ke le kgothatsa go dirisa sebaka se go itharabologelwa le go tsepama mo tumelong ga mmogo le go gakologelwa moono le maitlamo a kereke.” Bishop Beleme o ne a kgothatsa maloko go nna le lorato le popagano ka e le tsone di ka godisang bodiredi le tumelo. Bokhutlo religion_and_belief 8 Bogodu jwa megala bo ile magoletsa Mapodisi a Ramotswa a tshwentswe ke bogodu jwa megala ya motlakase jo bo ileng magoletsa mo motseng oo le mafelo a a mabapi. Assistant Superintendent Zibisani Mathumo wa mapodise a Ramotswa o buile se mo potsolotsong bosheng, a tlhalosa fa ba setse ba begetswe ditiragalo tsa mofuta o di ka nna thataro mo ngwageng ono. Go ya ka Rre Mathumo, bogodu jo bo remeletse thata kwa Ramotswa le Mogobane. O tlhalositse fa seemo se, se golela pele fa go tshwantshanngwa le dingwaga tse di fetileng bogolo jang thata kwa Mogobane. A re dipatlisiso di supa fa magodu a, a utswa megala e mme ba e rekise ka madi a a kwa godimo. O boletse fa ba ise ba tshware ope mabapi le bogodu jwa mofuta o, ka jalo o kopile setshaba go nna podi matseba le go itsise mapodise fa ba ka bona tiragalo ya mothale o. Mo go tse dingwe, Rre Mathumo a re, e le mapodise ba tshwenngwa ke melato ya bogodu ka go farologana e go lebegang e golela pele, le fa go ntse jalo o kaile fa ba leka ka bojotlhe jwa bone go ritibatsa seemo. A re Batswana ba tshwanetse go itshwaraganya mo ntweng ya go leka go fokotsa borukutlhi ka bo na le seabe mo go iseng itsholelo ya lefatshe kwa tlase. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Lephata le thusa bagwebi go itshupa E rile ka Matlhatso Mopitlwe a rogwa, boradikgwebo le bomadikgwebo tsa diatla jaaka, babetli, basugi ba matlalo, le balogi ba ditlatlana ba bo ba kgobokanetse kwa mabaleng a metshameko a Letlhakeng go rekisa le go bapatsa dikgwebo tsa bone. Ba lephata la Banana, Metshameko le Ngwao ba ne ba rulagantse letsatsi la Mopitlwe a tlhola gangwe mo Letlhakeng go nna lone le bagwebi ba Letlhakeng le mafelo a mabapi ba tlaa supang ditiro tsa bone tsa diatla, le gone go tla go di rekisa le go ipapatsa. Rre Tshekoetsile Molatolwe wa Salajwe o ne a tlhalosa mo potsolotsong ka tiro ya gagwe ya go betla. Rre Molatolwe o ne a tlhalosa fa a itumeletse letsatsi leo ka le tla mo thusa go itsiwe ke bareki. O ne a kaya fa kwa Salajwe bareki ba gagwe ba tsena mo seatleng mme a bolela fa bareki ba bantsi a ka kgona go ba bona fa a tsamaya le metse kana dikgaolwana go rekisa tse a di dirang. Rre Molatolwe a re ene ke mmetli yo a saleng a simolotse go betla ka ngwaga wa 1985, a betla a dirisa ditsatlholego ebile a itse fa di kgona go nyelela, ka jalo a di dirise ka kelelo, a sa di reme kgapetsakgapetsa. Fa a tlhalosa ka tse a di betlang, o boletse fa a na le bokgoni jwa go betla dintshwana tse ditona le tse di jang, dikika, le ditilo tsa setso, a dirisa setlhare sa mohata kana mogonono, ka e le ditlhare tse di nang le dikala kana dithito tse di tlhamaletseng. A re dikika o di rekisa P300, dintshwana tsa dipitsa tse ditona tsone P70. O boletse fa go betla dintshwana, motho a tshwanelwa ke go dirisa setlhare se se seng botlhoko. A re go dira tiro ya go betla o tshwanetse wa bo o le pelotelele ebile o na le lerato mo tirong ya go betla. O boletse gore le fa ntswa kgwebo e le kwa tlase, o kgona go bona motho a le mongwe a reka leswana mme a kgone go reka sengwe. O ne a kgothatsa ba ba nang le bokgoni jwa go itirela ka diatla go ema ka dinao go itshetsa ka diatla tsa bone. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Go tlhongwa kgotlana kwa Setekenehili E ne ya re bosheng banni ba kgotlana ya Marapalalo-Setekenehili kwa Molepolole ba supa lefelo le ba batlang go tlhoma kgotlana ya bone mo go lone ba bo ba baya monwana Rre Sabata Rantlhoi go nna kgosana wa bone wa ntlha jaaka ba ne ba ipaakanyetsa go simolodisa kgotlana eo semmuso. Ditlhopho tseo tsa bogosana di ne di tseneletswe ke bontlhopheng ba le lesome le motso mme Rre Rantlhoi o ne a fenya ka palo ya batho ba le masome a mane le bosupa a latelelwa ke Rre Melton Motswakhumo le Rre Thatayaone Goaitsiwe ka palo ya batho ba le lesome le bone mongwe le mongwe. E ne ya re fa a akgela mo phuthegong eo, Mokhanselara Michael Bagopi a supa boitumelo a bo a leboga morafe go bo o tsile ka makatla namane go tsibogela pitso e e neng e sa rulaganngwa ka nako. A re seo se supa tlhoafalo ya banni bao gore e le ruri ba batla kgosi le go tlhoma kgotlana semmuso. Le fa go ntse jalo, Rre Bagopi o ne a kopa morafe go ba inela diatla metsing, a supa fa go ne go se na gore ba ka tlosolosa pitso eo ya go tlhopha kgosi ka ba ne ba romilwe ka lepotlapotla ke kgosikgolo wa Bakwena Kgosi Kgari Sechele III. A re ba ne ba laetswe go isa leina la kgosi yo o tlhophilweng mo nakong e khutshwane e seng jalo ba ne ba ka nna ba lathegelwa ke sebaka sa go nna le kgosana mme se fetisediwa kwa go ba bangwe. O ne a akgola Rre Sabata go bo banni ba mo ratile mme a re seo se supa fa morafe o na le tshepho mo go ene ya gore o ka ba etelela pele ka matsetseleko. Rre Bagopi o tlhalositse fa Rre Sabata a tlaa ya go rolelwa Kgosi Kgari Sechele III go lekolwa gore a ga a ise a tsamae a dire molato ope mme a fiwe melawana yotlhe ya tsamaiso ya bogosi. E ne ya re a akgola mofenyi, Kgosi Atamelang Difela wa kgotlana ya Maribana a tlhalosa fa kgosi yo o sa tswang go tlhophiwa a tsile go laiwa le go tlhomamisiwa fa pele ga morafe ke kgosikgolo. O ne a gakolola Rre Rantlhoi go rata morafe ka tekatekanyo ka jaana go soka dirope go sa siamela moeteledipele. E rile a ntsha la gagwe, Rre Rantlhoi o ne a leboga banni go mo tlhopha, a re o lemogile gore ba a mo tshepha mme a ba solofetsa go ba tsaya ka tekatekanyo go diragatsa dithomo tsa bone. BOKHUTLO politics 7 Ba kopa gore Good Hope e nne kgaolo e e tletseng Molaodi wa kgaolo ya borwa, Rre Moses Gaealafswe a re puso e mo romile go rolela Bangwaketse kgang ya gore Barolong ba eletsa gore kgaolo potlana ya Good Hope e tsholediwe go nna kgaolo e e tletseng. Rre Gaealafswe o boletse mafoko a mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa kgotleng kgolo ya Ga-Ngwaketse ka Laboraro, Moranang a tlhola malatsi a le masome mabedi le boraro. A re kgang e ga se lantlha e buiwa, o supile fa e builwe gantsi mme e tsile fa pele ga puso la bofelo ka ngwaga wa 2010, a bo a re, kgaolo e ya borwa e nale dikgaolo potlana di le nne , eleng Mabutsane, Moshupa, Good Hope le Kanye Adminstration Authority, tse tsotlhe di okametsweng ke khansele ya Borwa. A re kgaolo potlana ya Good Hope e akaretsa metse ya bo Sekhutlane, Metlobo, Mmathethe, Mokgomane le e mengwe. O tsweletse a re mo kopong e e beilweng puso pele ke gore kgaolo potlana e e tsholediwe maemo ka melelwane e e teng mo nakong ya gompieno. Rre Gaealafswe a re go ne ga bidiwa kgosi kgolo wa Bangwaketse le wa Barolong ga bo ga bidiwa mokwaledi wa khansele le molaodi go rerisiwa ka kgang e. A re o dumela gore bagolo ba motse ba itse melelwane ya bogosi jwa Ga-Ngwaketse le jwa Borolong ka e bile ke melelwane e e kwadilweng. O tsweletse a re tsamaiso ya bogosi le lekgotla la kabo ditsha ga di na di fetolwa, a bo a re ba ba neng ba isitse kopo ba re, gongwe se, se ka tlhofofatsa ditirelo. Rre Gaealafswa a re, fa ngwaga o simolola go nna le kabo ya madi mme go akarediwa kgaolo ya Borwa, jaanong ba kgaolo potlana ya Good Hope ba ne ba tla nna le a bone ba le bosi. Fa ba mokgwa dikgaba, batsena phuthego ba ne ba supa fa ba sa dumalane le gore kgaolo potlana ya Good Hope e ka tsholediwa maemo. Rre Pontius Mokgosana a re ene o belaela go nale se se fitlhwang. O tsweletse a re, o belaela se, ka gore ga a kake a tewa gatwe Ga-Ngwaketse o feta Goo Tawana le Ga Mmangwato, a bo a re o ipotsa gore tota matsapa di a tsaya kae. Rre Mpho Kenosi e ne a re, go bolelwe gore kgang e e fitlhilweng ke eng ,a tlatsa ka gore motho yo o fitlhang kgang e, a buiwe ba mo itse. A re, puso ya gompieno e bosilo ga e tshwane le ya botautona ba pele bo Sir Seretse Khama le bo Sir Ketumile Masire, a re ya gompieno e tletse ditaelo. O tsweletse a re, fa go buiwa ka ditlamelo, ke eng go sa buiwe ka sepatela, a bo a re, golo mo fa go ka dirwa go ya go tsosa ntwa. A re, ke eng go sa neelwe Bakalaka, Batswapong le Babirwa ba ba latelang ditlamelo kgakala, a re mo, ke go losa Batswana fela. Rre David Maswabi ene o rile, ga a dumele gore melelwane ya bogosi ga e na go senngwa, a re go botoka fa go ne gotwe babereki ba re ga ba kgone, a bo a re mme le gone kana fa motho a sa kgone tiro go botoka a tlogela. Rre Maswabi a re, o belaela gore sepolotiki se mo teng ga kgang e, a re o dumela gore go lebilwe gore go direlwe mongwe kgaolo, a tlatsa ka gore Bangwato ba sale ba ikuela gore ba pitlagane,mme ga ba reediwe. A re, jaanong o ipotsa gore ke eng Barolong bone ba tsibogelwa, a bo a re Goodhope/Kanye ke nko le molomo, go nale motho a tswa Serowe a ya Tutume/Makalamabedi. A re, e le Bangwaketse ga ba eletse go nna ka fa tlase ga Barolong, a re le gone ga ba batle go nna le bangwe ba bone ba ba ka isiwang kwa bogosing jwa Borolong. Rre Kebatshabile Wakgomo e ne a re, sepolotiki se gaketse se nyeletsa Ga-Ngwaketse, a re mme ga ba dumalane le kgang e ya gore Goodhope a tsholediwe. Botlhe ba ba akgetseng ba re, fa kgaolo potlana e, e tsholediwa go seka ga tsenngwa metse ya Ga-Ngwaketse mo go yone, e eme e le nosi. Bangwe ba ne ba kopa Kgosi Malope II go ntsha lekoko la bana ba Ga-Ngwaketse go ya kwa lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae go isa mokwalo wa ngongorego. Moemela kgosi yo mogolwane Rre Goboletswe Ketsitlile o ne a re, o ganetsa kgang e e reng go direlwa ditlhabololo ka gore, fa motho e le moabi, o itse bana ba gagwe mme a ba abele ka bokete jwa bone. Rre Ketsitlile a re, o itumeletse gore kgang e, e tsene mo Bangwaketseng ka e ntse e buelwa mo matlong e bile gotwe go nale batho bangwe ba ba e ganang. A re, gompieno e ganwa ke bone Bangwaketse ka sebele. Mothusa kgosi Rre Kebatse Telekelo ene o ne a dumalana le gore go rongwe bangwe, a bo a kopa kgosi-kgolo gore a e go bona tautona ka sebele. Rre Telekelo a re, o tshoga gore a ga nke e re morago go bo go tswa taolo, a re gape o gakgamadiwa ke gore kgaolo potlana e e bo e bidiwa Goodhope ntswa e le fagare ga magosi a mabedi. A re, tota ka fa tshwanelong e kabo e le yone e e bidiwang khansele ya borwa jaaka ya Borwa Botlhaba e a reng e biditswe jalo ka gore e fagare ga magosi a mabedi ebong Balete le Batlokwa. A re, ke sone se se dirang gore motho yo mongwe a bo a tsaya gore ke ya gagwe e bile a batla gore e ka tsholediwa maemo, a re, se ke go patika kgosi kgolo. Fa a kgwa morafe wa gagwe dikgaba, Kgosi Malope II o ne a re, o dumalana le ba ba reng go kwalwe, a bolela fa ba kile ba bidiwa ke tona mme ka fa ba neng ba bua kgang ka teng o ne a tsaya gore e fedile. Kgosi Malope II a re, puso e batla go losa Batswana. O tsweletse a re , kana kgang e ga e tle go ama Bangwaketse le Barolong fela. A re, Barolong ga ba molato ba ka tsholelediwa kgaolo, a bo a re puso e tla bona gore e ba direla jang. BOKHUTLO society 9 Tuulalo e kgolo e ka baka kutlobotlhoko Modiri mo komponeng ya BCL, Rre Emmanuel Siamisang a re motho o ka bakelwa kutlo botlhoko ke go sa ntshetseng maikutlo a gagwe kwa ntle fa a na le mathata. O tlhalositse fa go le gantsi batho ba itshoka ka mathata a ba kopanang le one ba sa bolelele ba masika kana ditsala, a bolela fa seo se sa siama ka motho o ka felela a ikgapetse botshelo kana ga mmakela malwetse. O buile jaana bosheng kwa moletlong oo neng o rulagantswe ke ba mokgatlho wa Silence Kills mo kgaolong ya Botshabelo kwa Selebi Phikwe. Rre Siamisang o tlhalositse fa mokgatlho wa Silence Kills o kile wa dira dipatlisiso ka kanamo ya mogare o o bakang bolwetse jwa AIDS mo toropong eo, mme ba lemoga fa go gweba ka mmele e le one mathata a matona a a anamisang mogare wa bolwetse joo. A re se sengwe ke go tlhoka go nna boikanyo ga bakapelo kana banyalani ka go nna le bakapelo ba feta bongwe. O rotloeditse batsadi go nna ditsala le bana ba bone ka nako tsotlhe gore ba tle ba kgone go lemoga fa ba tswa mo tseleng kana ba nna le maitshwaro a a sa letlelesegeng. Rre Siamisang o rotloeditse morafe go emela dikgwetlho tse ba kopanang le tsone ka dinao fa ba le mo loratong mme a kgothatsa borre go nna le boitshoko fa basadi ba bone ba tsena mo botsetseng kana ba le mo malatsing a setswalo. Rre Siamisang o kopile setshaba go ntshetsa mo pontsheng batho ba ba amilweng ke mogare wa HIV gore ba tle ba bone thuso e e maleba le gone go fiwa thotloetso le lorato. O tsweletse a leboga ba kompone ya BCL go bo ba itshwaragantse le ba mokgatlho wa Silence Kills go lwantsha kanamo ya mogare mo toropong ya Selibe Phikwe. O tlhalositse fa ba mokgatlho oo ba itlamile gore ka 2016 go bo go sena kanamo ya mogare o mosha wa AIDS. Mokgatlho oo, o maikaelelo a one eleng go lwantsha kanamo ya mogare wa AIDS mo setshabeng o tlhamilwe ka 2003 mme wa kwadisiwa semmuso le ba lekalana la NACA ka 2011. Letsatsi le ne la natefisiwa ka metshameko e e farologaneng e supa dikgwetlho tse bomme le borre ba kopanang le tsone fa ba le mo loratong kana mo lenyalong. Bana ba sekole se segolwane sa Mojamorago le bone ba ne ba nna le sebaka sa go supa dikgwetlho tse banana ba kopanang le tsone di tshwana le kgokgontsho le go ne go amiwa ke mogare wa HIV.BOKHUTLO society 9 Kgosi ga a itumedisiwe ke boitshwaro jwa banana Mogolwane wa koporase ya Bogosi SACOS kwa Molepolole Rre Lister Magowe o rotloeditse dikgosana go nna maloko a koporase e a reng ke lekalana le le ka fa tlase ga lekgotla bone. Fa a buisa lekgotla la dikgosana kwa Goo-Tau bosheng, Rre Magowe o tlhalositse fa Bogosi SACOS e e tlhamilweng ka 2012 ke maloko a lekgotla la dikgosana lefatshe ka bophara e le bontlha bongwe jwa go tokafatsa matshelo a dikgosana. O boletse fa koporase e e le ya peo le kadimo, moono e le go kopanyetsa golo go le gongwe mme morago ba ikadime ka melawana e ba e ipeetseng. A re ope yo o eletsang go nna leloko o rotloediwa go ntsha P100 wa boloko ba bo ba ntsha P500 go reka diabe mo koporaseng. O ne a re boloko jwa koporase eo bo tlhokana le gore motho a bo a le kgosi e e tlhomamisitsweng kana e le modiredi wa kgotla a le dingwaga tse di lesome le boroba bobedi le go feta. O ne a gatelela gore fa go buiwa ka dikgosi go buiwa ka batho ba ba tshwanetseng go tlotlwa, ka jalo ga ba eletse go golagana le batho ba ba tlaa gogang seriti sa kgosi mo seretseng e le maloko a koporase. O ne a supa fa koporase e e leka bojotlhe go tokafatsa itsholelo ya boloko jwa lekgotla la Dikgosana Association. Rre Magowe o boletse fa ba na le diofisi mo dikgaolong di le lesome le botlhano lefatshe ka bophara mme e kgolwane e le kwa Molepolole. A re go na le ba ba thapetsweng go dupa dibuka go bona gore a koporase e na le dipoelo le go netefatsa gore madi a koporase ga a jewe bofafalele. Rre Magowe o rurifaditse fa go se na tshwetso epe e e ka tsewang ntleng le therisanyo le makoporase. O ne gape a gatelela gore maikaelelo a koporase ke go nonotsha itsholelo ya leloko go bona gore ditshwanelo tsotlhe tsa setho tsa maloko di sa tlotlwa. O boletse fa leso le go golafala mo go itsang gore motho o ka tsena diphuthego tsa koporase a akgela le go thusa mo tswelelong pele ya koporase e le tsone fela tse di ka emisang boloko. Rre Magowe o tlhalositse fa keletso ya Bogosi SACOS e le go felela ba nna le banka e e itebagantseng le go thusa makoporase. Modulasetilo wa lekgotla la Dikgosana Association e bile e le kgosi wa Lesenepole Kgosi Thebe Monyepele o tlhalositse fa ba setse ba kgonne di le dintsi di akaretsa gore dikgosana di simolole go amogela ka payslip jaaka babereki ba puso le gore le bone ba nne le tshiamelo ya go ka bona ditlamelo tsa bobueledi jwa semolao le dithuso tsa botsogo. Bokhutlo society 9 Banana ba maoto a tshupa go akola mananeo Sekolo se sebotlana sa Nyangabgwe kwa Francistown se ne se tshwere moletlo go amogela Rre Thabang Botshoma jaaka morotloetsi wa sone. Mogolwane wa lephata la thuto go tswa kwa moding, Rre Vumani Luckson, a re go a lebosega go bona Batswana ba ithaopela go thusa dikolo dingwe. O boleletse ba tsena moletlo fa lenaneo la go thusa dikolo le simolotswe ke puso ka ngwaga wa 2012 morago ga go lemoga dikgwetlho tsa letlhoko la madi go tsamaisa dikole. A re se se dirilweng ke Rre Botshoma ke thuto mo Batswaneng ba bangwe le dikhamphani gore le bone ba ikiteye ka thupana go thusa puso mo tsamaisong ya puso. “Bokgoni jo Rre Botshoma yo o kileng a etelela maphata ka go farologana pele jaaka la tepo loapi go tla a thusa go isa sekolo sa Nyangabgwe golo gongwe.” Mogokgo wa sekolo sa Nyangabgwe, Mme Boingotlo Chaba, o tlhalositse fa go ithaopela go ema nokeng sekolo seo ga ga Rre Botshoma go tsile ka nako e e maleba ka sekolo seo se na le letlhoko le lentsi thata. A re sekolo seo se na le baithuti ba le sekete le barutabana ba le masome mararo le boraro mme botlhe ba dirisa sebala makgolo le printer ele nngwe ; selo se a reng se kgoreletsa tiro ya barutabana. A re mo nakong eno bana ba ithuta ba kgotlhagane mo matlong a borutelo e bile bontsi jwa dikago tsa sone di onetse ka ele sengwe sa dikolo tse dikgologolo kwa Francistown. E rile a ntsha la gagwe, Rre Botshoma a tlhalosa fa a tsere tshwetso ya go nna morotloetsi wa sekolo sa Nyangabgwe ka ele sone se a simolotseng dithuto tsa gagwe mo go sone ka ngwaga wa 1971. Rre Botshoma a re o tla ema sekolo sa Nyangabgwe nokeng ka go se kopela dithuso go tswa mo setshabeng le dikhamphani ka go farologana. Rre Botshoma, yo e leng mothusa mokwaledi kwa lephateng la tikologo, diphologolo le bojanala o ne a itlama go dirisanya sentle le bogogi jwa sekolo sa Nyangabwe le komiti ya batsadi le barutabana go netefatsa gore sekolo se bona maduo a a itumedisang. BOKHUTLO health 6 Ba Taung ba lebile tsela Banni ba Taung gaufi le motse wa Ramotswa ba tla nna ka tsholofelo ya gore lephata la dipalamo le ditlhaeletsanyo le tlaa araba selelo sa bone sa letlhoko la dipalamo tsa setshaba. Se, se tla morago ga gore ba ikuele kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama mo bekeng e e fetileng ka Labone, Moranang a tlhola malatsi a mararo kwa motseng oo. Banni ba re motse wa bone o tlhaelelwa ke dipalamo tsa setshaba fela thata ka dibese tse di tswang kwa Ramotswa di tsena kwa motseng oo di setse di tletse. Ba re se, se baka gore ba goroge morago ga nako kwa ditirong, mme e bile gape se baya matshelo a bone mo diphatseng bosigo ka ba tlamega go tsamaya mesepele e melele. Fa a ba kgwa kgaba, mogolwane go tswa kwa lephateng la meselepe le ditlhaeletsanyo, Mme Onalenna Sechele, o ne a kopa banni go nna ba letile. A re lephata la gagwe le sekaseka gore batho ba Taung ba ka thusiwa ka mokgwa ofe, mme ebile o ne a kopa bo radikgwebo go tsenya dikopo tsa dibese tse di tla simololang mosepele kwa motseng wa Taung. Ya re go utlwa se, tautona a kaya fa lephata le tsere nako go tsibogela kopo ya banni ba motse oo. A re ga se mo motseneg oo fela, mme a re ene o bona gole botoka thata gore lephata le fe diteseletso tsa dipalamo tsa setshaba mme bagwebi ke bone ba tlaa ikatlholang. Tautona a re fa ele gore boradikgwebo tsa dibese ba batla go direla mo tseleng ya Taung-Gaborone, ke tshwetso ya bone eseng ya lephata. “Rona rele goromente re tswanetse go laola kwa ba phekang teng, re seka ra leka go laola dipalo tsa dibese,” Tautona Khama o ne a tlhalosa. Tautona o ne a tshepisa baagi ba motse wa Taung fa a tla isa maikuelo a bone kwa go tona wa dipalamo le ditlhaeletsanyo go rarabolola seemo se. Banni ba motse oo gape ba ne ba lela ka dituelo tsa metsi ba re di kwa godimo fela thata, mo dipaledisang maiteko a temo ya merogo a nyeletso lehuma. Le fa go ntse jalo, mogolwane go tswa kwa Water Utilities Corporation, Rre Kenny Labane o kaile fa ditueleo tsa metsi mo lefatsheng leno di se kwa godimo. O ne a tlhalosa fa ele ba WUC ba lekile go rerisanya le batho ba ba filweng mananeo a nyeletso lehuma mme ba kgaoletswe metsi go rarabolola seemo. A re ba fitlhetse ele gore, banni ba ntse ba sa duele metsi ka jalo melala ya go tlhoka go duela ene ya gola phetelela. BOKHUTLO society 9 Ipelegeng e tshidisa ba Kumakwane Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Kumakwane Rre Moreri Phia a re o itumelela maiteko a a dirwang ke puso go namola Batswana mo lehumeng. E rile fa a bua mo potsolosong bosheng, Rre Phia a re le fa lenaneo la Ipelegeng e se tiro ya sennela ruri, le thusa ba le bantsi e bile le ntsha maduo a mantle mo motseng wa bone. O ne a tlhalosa gore mo motseng wa bone, Ipelegeng e thapile batho ba le masome a roba bobedi le bone . E re le fa go ntse jalo, Rre Phia a re o tshwenngwa ke gore bontsi jwa babereki ba Ipelegeng ke banana ba a eletsang ba ne ba ka ithusa ka mananeo a mangwe a nyeletso lehuma ba tlogelela bagolo Ipelegeng. O ne a tswelela ka go akgola lenaneo la Tirelo Sechaba a tlhalosa fa le thusa banana mo go ikgapheng mo dilong tse di sa nnang sentle jaaka bogodu le tse dingwe. O ne a tlhalosa fa a kgatlhwa ke go bona banana ba ba mo lenaneong le ba dira tiro ka bokgabane le botswa pelo. Rre Phia o ne a bua gore, banana ba motse wa Kumakwane ga ba dirise mananeo ka fa go kgotsofatsang ka teng ka jaana bontsi ja bone ba sa a tsaya. O ne a kgothatsa banana ba ba santseng ba le ka fa tlase ga dingwgaa tse di masome mabedi le botlhano go inaakanya le go tsena sekole go betla bokamoso jwa bone. O tlhalositse fa banana ka bontsi ba nna fela mo malwapeng mme bontsi jwa bone ba rutegile. O tlhalositse fa banana ba tshwanetse go tsaya maikarabelo a go ka fetola matshelo a bone ka go dirisa sebaka se puso e se ba fileng go ka dirisa mananeo. O tlhalositse fa boitseme e le jone bo bolayang banana ka bontsi mme a kopa banana go ya go ithutela ditiro tsa diatla jaaka go lema merogo gore ba tle ba kgone go itlhamela ditiro le go tlhamela ba bangwe mebereko. BOPA society 9 Go sa dumalaneng go busetsa morago Go a tshwenya go bona banni ba metse mengwe ba busetsa ditlhabololo tsa metse ya bone kwa morago ka go sa dumalaneng ka gore go dirwe ditlhabololo dife pele. Fa a bua kwa letsatsing la go simolodisa kago ya leobo la kgotla kwa Ratholo bosheng, modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye Rre Koti Molefhi o boletse fa banni ba metse ba romelela khansele ditlhabololo tse ba batlang di dirwa mme e re morago ba bo ba fetoga ka ba sa dumalana ka megopolo gore go tsenngwe ditlhabololo dife pele. A re seo se tsala ketsaetsego go bo go felela ngwaga o fela go sa dirwa ditlhabololo dipe ka banni ba tsaya nako e ntsi ba nganga. Ka jalo, Rre Molefhi o kopile banni ba metse ka go farologana go buisana ba bo ba dumalana nako e santse e le teng go tila tiego. Mo go tse dingwe, Rre Molefhi o akgoletse banni ba motse wa Ratholo go bo ba kgonne go kgobokanya didirisiwa tsa leobo la kgotla go tlatsa tse ba tlaa thusiwang ka tsone ke khansele. Rre Molefhi a re leobo la kgotla le botlhokwa ka e le palamente ya motse jalo le tshwanelwa ke go nna teng. O boletse fa khansele e tlaa ntsha P75 000 mme a kopa botsadi jwa motse go tsenya diatla. O kopile banni go simolodisa kago eo ka ponyo ya leitlho gore e fele ka nako e e beilweng. Banni ba supile fa ba kgonne go kgobokanya motlhaba o o senang makgabana, motlhaba o o makgabana le ditena di le dikete tse thataro. society 9 Ipelegeng e tokafatsa matshelo kwa Mookane E re ka Motswana a re sejo sennye ga se fete molomo, banni bangwe ba Mookane mo kgaolong ya Legare ba dirisa bonnyenyane jo ba bo bonang ka go dira mo Ipelegeng go tokafatsa matshelo a bone. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Ruth Jonas yo e leng leloko la komiti ya ditlhabololo tsa Mookane o tlhalositse fa banni bangwe ba kgonne go itsenyetsa dipompo mo malwapeng, go ikagela matlwana a boiteketso le go ikagela matlo a a nang le kamore e le nngwe ka dikatso tsa Ipelegeng. O boletse fa bangwe ba tsenya bana ba bone dikole ka dikatso tseo. O kaile fa lenaneo la go apeela badiri ba Ipelegeng le ntsha baapei ba le bantsi mo seretseng ka go ba atswa ka dituelo tse di botoka. O tsweletse ka go tlhalosa gore fa e sale lenaneo la namola leuba le fetolwa go nna Ipelegeng dikatso di botoka e bile di tswa ka nako. Mme Jonas o tlhalositse fa lenaneo la Ipelegeng le amogetswe sentle mo Mookane ke banana le bagolo mme bomme ba le bantsi mo go lone, o kaile fa ba tle ba leke go oka borre fa ba na le ditiro tsa go aga ka gore borre go le gantsi ke bone ba nang le kitso ya go aga. O boletse fa ba kgonne go dira ditiro di tshwana le go aga matlwana a boitiketso a a dirisang metsi kwa diofising tsa ga mmaboipelego le go shafatsa matlo a bo mmaboipelego ga mmogo le go agelela mabitla ka thuso ya Ipelegeng. Fa a ntsha la gagwe motshwara madi wa komiti ya dithabololo ya Mookane, Mme Goememang Modisaotsile o supile matswenyego ka bahirisi bangwe ba ba sa dueleng madi a boroko ka nako e bile bangwe ba sa duele gotlhelele. O thalositse fa komiti ya dithabololo e agile mantlwana a go latlhelwang matlakala mo go one pele dikoloi tsa matlakala tsa khansele di tla go a tsaya, o tlhalositse fa ba le mo letsholong la go aga matlo a boitiketso a setshaba mo mafelong a go senang matlwana a boitiketso, o boletse fa ba setse ba kopile ditena mo komponeng ya Lobatse Clay Works e e direlang go bapa le motse. society 9 Ga ba robatswe ke borukutlhi kwa Borotsi Baithaopi ba sepodisi kwa Borotsi mo kgaolong ya Tswapong ba re ba tshwentswe thata ke seemo sa borukutlhi se se tsweletseng ka go golela pele mo motseng wa bone. Moeteledipele wa baithaopi bao Rre Setlalekgosi Kelebogile, o supile matshwenyego a jaaka ba ne ba buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng. Rre Kelebogile a re borukutlhi jo bo kwa godimo ke jwa go thujwa ga matlo le marekisetso le bogodu jwa leruo. A re gantsi matlo a a thujwang ke a a tsayang nako e ntsi beng ba one ba se mo go one. O ne a bolela gore mo nakong ya gompieno go na le matlo a le masome a mane le borataro mo motseng wa gagwe a ba lemogileng fa go tsaya nako go sena ope mo go one mme a kopa beng ba one gore fa ba tsamaya ba a laele ba masika le baagisanyi. Rre Kelebogile o kopile ba ba nnang gaufi le malwapa ao gore le fa ba sa laelwa ba tsee boikarabelo fa ba bone seemo se se sa tlwaelesegang ka go ba begela. A re batho ba latlhegelwa ke dithoto tse dintsi ka ntlha ya go thubelwa a ba a gakolola setshaba go somarela bosupi go itsa madiadia mo ditlhotlhomisang. O ne a tswelela ka gore borukutlhi jo bongwe ke jwa botho jo bo sa eletsegeng mo setshabeng jo gantsi bo diragalang kwa marekisetsong a majalwa a a titielwang mo malwapeng. Fa a mo tlatsa, mogakolodi wa baitlhaopi ba sepodisi Constable Warren Majumane go tswa kwa Chadibe, o ne a supa fa bagwebi ba majalwa a a dirwang mo malwapeng ba sa obamele melao ya thekiso. Rre Majumane a re modumo wa diletso o o tsoswang kwa mafelong a go rekiswang majalwa ao kwa go one le one ke kgwetlho. A re le fa ba tsweletse ka go atlhola badiramelato, seemo se ntse se tswelela fela. Constable Majumane o ne a tswelela ka go supa fa borukutlhi ja bogodu jwa leruo bo sa laolesege. O ne a kopa barui go tlhokomela leruo la bone thata le go le itse. A re go na le barui bangwe ba ba beileng sengwe le sengwe mo badiseng mme a ba gagokolola gore modisa ke motho yo o kgonang go dira se a se batlang fa a lemoga gore mong wa leruo ga a kelotlhoko mo leruong la gagwe. Constable Majumane o ne a kopa setshaba go tshwaraganela le bone ntwa e ba e lwang kgatlhanong le borukutlhi. A re motse wa Borotsi o monnye mme borukutlhi jo bo diragalang mo go one bo kwa godimo. O rotloeditse banni ba Borotsi go tsosolosa lenaneo la ntebele ke go lebele. A re fa lenaneo la ntebele ke go lebele le diriswa sentle le dira bontle fela thata. O ne a rotloetsa banni ba Borotsi go emela motse wa bone ka dinao gore dilo di apare tshiamo. Kgosi Israel Thabakanaka wa Borotsi o ne a supa fa a ngongoregela go ngodiega ga morafe fa ba bilediwa diphuthego tsa mofuta o. A re bone ba ba sa tseneng diphuthego tse, ke bone ba e reng ka moso fa matona a puso a tsile go buisa diphuthego ba bo ba ba begela dikgang tse di kabong di sa bolo go rarabololwa ke bogogi jwa motse. crime_law_and_justice 1 Ofisi e simolodisa methale ya tlhokomelo tikologo E rile bosheng ba ofisi ya tlhokomelo tikologo kwa khanseleng ya Molepolole ba simolodisa tiriso ya letlole go tlhaola matlakala e le tsela ya go ruta setshaba go tlhokomela tikologo. Mo potsolotsong le BOPA bosheng, mogolwane wa ofisi eo, Mme Masego Mmolawa o tlhalositse fa lenaneo leo le simolotse ngogola ka maikaelelo a go rutuntsha morafe wa Molepolole, bogolo jang ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng methale e mesha ya go iphataphatela ka go tlhokomela tikologo. A re mo maitekong a go godisa lenaneo le, ofisi e ne ya rolela komiti e e itebagantseng le botsogo jwa motse go le tsamaisa e bereka ka dikomiti di le lesome le bosupa tse di bopilweng ke dikgotla dingwe tsa Molepolole. Dikgotla tse di akaretsa Lephaleng, Lekgwapheng, Loologa, Goo-Ntloedibe le tse dingwe mme badulasetilo ke bone ba gokaganyang komiti e tona le ofisi ya tlhokomelo tikologo. O tlhalosa fa letlole le go latlhelwang matlakala mo go lone le kgaogantswe ka mefuta ya matlakala, ka go na le fa go nnang mabotlele a a thubegang, mabotlele a polaseteke, ditsiri, dikhakha, pampiri tsa mebala e e farologaneng, dipampiri tsa dikgang ga mmogo le mabokoso. O boletse fa komiti nngwe le nngwe e ntsha baemedi ba le babedi ba tiro ya bone e leng go sela matlakala mo motseng mme ba a tsise kwa letloleng go a tlhaola. A re batlhokomedi ba ba tswang mo dikomiting ba fapaanela tiro kgwedi le kgwedi. A re morago ga go tlhaola matlakala, a rekisediwa khamphani ya tiriso matlakala kwa Gaborone go a dirisa sesha. O tlhalosa fa lemme le ba le bonang morago ga thekiso ya matlakala le kgaoganwa ke batlhokomedi le komiti ya botsogo jwa motse. Fa a mo tlatsa, mothusi wa gagwe, Mme Christinah Kalane o tlhalositse fa tiriso ya letlole e simolodisitswe morago ga go lemoga fa lefelo la matlakala la Gamodubu le tlala phetelela e bile batho ba sa tlhokomele tikologo, ka jalo ba dumela fa letlole le tlaa thusa go rotloetsa batho ka botlhokwa jwa go tlhokomela tikologo. Mongwe wa batlhokomedi ba letlole, Mme Josephina Thakadu, wa Lephaleng o boletse fa setshaba se saletse morago mo go tlhokomeleng tikologo mme go le botlhokwa e bile motho a ka roba sengwe mo matlakaleng. environment 5 Lekgotla la dingwetsi le simolodisitswe kwa Palapye Lekgotla la dingwetsi le sa tswa go simolodisiwa kwa Palapye morago ga go tlhamiwa kwa Tamasane ka 2011. Maikaelelo a lekgotla ke go tla ka ditharabololo tsa go fedisa ditlhalano le dipolaano tsa baratani. Lekgotla le ikaelela go buisana le banyalani le bomme ba malwapa ka se lenyalo e leng sone le gore ba ka hema jang dikgwetlho tsa malwapa fa di nna teng go fokotsa ditlhalano. Modulasetilo wa kgaolo, Mme Grace Silver, o ne a tlhalosa fa rre e le tlhogo ya lelwapa, fa mme ene e le mothusi wa ga rre. A re mosadi ke ene moagi wa lelwapa, mme o ka kgona seo ka go tlotla tlhogo ebong rre mme rre le ene a tlotla mothusi wa gagwe ebong mosadi. O ne a gatelela botlhokwa jwa go ikaga le go itse Modimo, mme a gakolola bomme go emisa go tsamaisa malwapa a bone ka maranyane a facebook le whatsaap. A re dilo tse ke tsone di gakatsang ditlhalano segolo jang basha, o ne a bo a kgala batsadi a re “ e anya e leletse e ruta e maleng”. A re kgang ya bone ke go bopa malwapa, go tlisa boitumelo mo malwapeng, go ruta borre ka go aga malwapa le bomme ba bone le go rotloetsa bomme go dirisa mananeo a puso go itlhabolola le go thusa balekane ba bone ebong borre go tokafatsa matshelo mo malwapeng. Bokhutlo society 9 Monna o thusa mapodisi mabapi le polao Mapodisi a Mahalapye a tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome mabedi le boraro wa Mmutlane go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le leso la monna wa dingwaga tse di masome mabedi le borobabongwe wa kgotla ya Dilaene kwa Mahalapye. Mookamela mapodisi a Mahalapye, Superintendent Omphile Malemenyane, o tlhalositse mo potsolotsong le BOPA gore tiragalo e, e diragaletse kwa maitisong mo mosong Lwetse a le 29 kwa Mmutlane. Supt Malemenyane a re le fa ba tsweletse ka ditlhotlhomiso, go lebega go ne ga nna le tlhoka kutlwisisano gareng ga bobedi joo. A re go lebega moswi a ne a itewa ka setena mo tlhogong mme a isiwa kwa sepateleng sa Mahalapye, ba ba neng ba mo fetisetsa kwa go sa Marina kwa Gaborone, kwa a tlhokafaletseng teng. A re ba latoletswe rre yoo ka nako ya boraro mo tshokologong. Supt Malemenyane a re mmelaelwa o itshupile ka Laboraro fa pele ga lekgotla la ditsheko la ga mmakaseterata kwa Mahalapye. Mmelaelwa o tlaa itshupa gape fa pele ga lekgotla kgwedi eno e le lesome le borataro. Mo dikgangnyeng tse dingwe Supt Malemenyane o ne a supa fa go ne go rena kagiso ka letsatsi la boipuso. O supa gore mapodisi ba ne ba ipapanne sentle, ba phatlaletse le mekgwatha ya Mahalapye le metse e e mo tikologong go kgoreletsa ba ba neng ba na le maikaelelo a go dira ditiro tsa borukutlhi. O supile gore ka malatsi a Boipuso ditiragalo tsa borukuthi di ne di wetse tlase fa go tshwantshanngwa le ngwaga o o fetileng. Rre Malemenyane a re melato e e nnileng teng e ne e le e mesesanyane ya mo ditseleng mme fela mapodisi a ne a le teng a beile leitlho. A re go bulwa ga diofisi tsa bobedi mo Mahalapye go nnile le seabe mo go fokotseng ditiragalo tsa borukutlhi. crime_law_and_justice 1 Moralane o ka nna boremelelo jwa thuo ya dinku - tona Motshwarelela tona mo Lephateng la Tlhabololo Banana, Metshameko le kgodiso ngwao, Rre Dikgang Makgalemele o gwetlhile barui ba motse wa Moralane go fetola motse wa bone boremelelo jwa thuo ya dinku. O builwe se, fa a ne a bula semmuso thuto seka dipuisano ya dihutshane ka Labobedi kwa Moralane. Rre Makgalemele o ba galaleditse go tsibogela mananeo a puso le go dira lenaneo la go tlhabolola motse wa bone ba itebagantse le go tlhabolola banana, go nyeletsa lehuma, go tlhama ditiro, twantsho borukuthi le go tlhama ditiro ka go dirisa thata ya bone le tse di fitlhelwang mo tikologong. A re morafe wa Moralane o tshwaraganye le kompone ya Tlou Energy ba tsenye mo mosepeleng wa go godisa mohama wa thuo ya dinku. Rre Makgalemele a re ba Tlou Energy ba rotloeditse morafe wa Moralane ka P80 000, a lebogela Tlou Energy seabe sa bone mo go fefoseng maikaelelo a morafe wa motse wa Moralane. Rre Makgalemele a re go botlhokwa go bona morafe o lemoga tse di ka thusang go tlhabolola motse wa bone. Le fa go ntse jalo, Rre Makgalemele o gateletse botlhokwa jwa gore morafe o tlhatlhelelwe kitso ya se ba eletsang go se dira ka jalo a phutha baitsaanape ba ba farologanyeng go tswa kwa lephateng la temothuo go tla go tlhatlhelela barui ka thuo ya dinku le ditshono tse dingwe tse di bulelwang ke thuo ya dihutshane. A re go botlhokwa gore ba akanye metlhale ya go kabakanya mohama wa thuo ya dihutshane. Tona Makgalemele o ne a supa fa nama ya nku e jewa thata mo dioteleng mme ba tshwanelwa ke go tsena ka mashetla mo thuong ya dinku. Le ga go ntse jalo o kaile fa kompone ya Tlou Energy e mmonetse marulana pele ka go ba batlela mmaraka mo dioteleng ka go farologana. Rre Makgalemele a re go nna kgakala le ditlamelo e tshwanetse ya nna lebaka le le dirisiwang ke barui ba motse wa Moralane go ipapatsa le gone go supa fa e se sepe se se ka ba itsang go tswelela. “Le seka la inyenyafatsa ka gore le kgakala le ditlamelo, mme seo sa le itsa go tswelela,” ga tlhalosa Rre Makgalemele. A re ba na le bokgoni jwa go itshetlela le go phadisanyetsa mmaraka e mengwe. Mogokaganyi wa lenaneo, Mme Boitshepo Bolele o galaleditse tshwaragano ya Tlou Energy le morafe wa Moralane. Mme Bolele a re kompone ya Tlou Energy e tlaa tsamaisa barui ba Moralane tshipidi tonto ka go ba rutuntsha gore ba itshetlele mo thuong ya dinku. Mme Bolele a re motse wa Moralane o itshupile fa o na le bokgoni jwa go tshegetsa dihutshane segolo bogolo dinku. Mme Bolele o ne a rotloetsa mowa wa go ipopa ditlhopha ba dira dikoporase gore maiteko a bone a go gweba a tswe tema. Mme Bolele a re mo mosepeleng wa go rotloetsa barui ba Moralane go godisa thuo ya dinku ba ne ba itshwaraganya le ba polase ya dihutshane ya Lubu kwa Kgalagadi Borwa ka maikaelelo a go tsaya malebela a go godisa thuo go nna kgwebo. Modiri mo lekalaneng la dipatlisiso ka fa tlase ya lephata la Tlhabolola Temo thuo le go ntsha dijo, Rre Slumber Badubi a re go botlhokwa gore barui ba tsibogele dikgwetlho tse di tlang le go fetoga ga loapi. Rre Badubi a re thuo ya dinku e botlhokwa ka gore ke seruiwa se se nang le bokgoni jwa go lepalepana le leuba. Rre Badubi a re ka paka ya leuba dipudi di tshabelelwa ke go holotsa mme dinku tsone di kgona go emelelana le seemo se. O ba gwetlhile go jesa dinku tsa bone matlhowa ka fa ba dira jalo ga go tlhokafale gore ba bo ba di kentela dibokwana. A re go botlhokwa go ela tlhoko gore palo ya dinku tse ba di ruileng e tsamaelana le ya diphelehu. “Jaaka le re lo batla go rua dinku bangwe ba tshwanetse ba tsibogela go tsena mo kgwebong ya go dira dijo tsa leruo le, ka gore diruiwa tse gore di a tle di tlhokana le dikotla tse di farologaneng,” ga tshwaela Rre Badubi. economy_business_and_finance 3 Lekgotla la babereki le a itshekatsheka E re ka jaana go setse malatsinyana fela gore go laelwe ngwaga wa 2015, maloko a lekgotla la National Amalgamated Workers Union kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba ne ba rulaganya phuthego ya go itshekatsheka. Mo phuthegong eo, e e neng e tshwaretswe kwa Masunga kgwedi eno e le lesome le motso, maloko a ne a nna le sebaka sa go abelana megopolo mabapi le tse ba di fitlheletseng le tse ba reteletsweng ke go di diragatsa tse di amanang le lekgotla la bone. Fa a ema maloko a lekgotla leo ka lefoko, modulasetilo wa lekgotla leo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Osego Batswana o ne a tlhalosa gore ka jaana ngwaga ono go lebega o nnile mokhutshwane, lekgotla ga le a kgona go wetsa ditogamaano tsotlhe tse di neng di akantswe go diragadiwa mo ngwageng ono. A re le fa gontse jalo, sengwe se se bakang gore ditogamaano tseo di bo di sa wediwa, ke go bo maloko mangwe a sa tlotle maitlamo a go sala morago le go diragatsa maikano a bone a go ema lekgotla nokeng. Rre Batswana a re leloko lengwe le legwe le tshwanetse la itse fa go le botlhokwa go tlotla maitlamo go thusa lekgotla go gatela pele, a kopa gore mo ngwageng wa 2016, maloko a bereke ka thata,a nne seopo sengwe le gone go tla ka maano a go leka go tsweledisa maitlamo a lekgotla. Mo go tse dingwe, modulasetilo o ne a gwetlha maloko ka ene go fetola maikutlo a bone le go dira ka natla mo ditirong tsa bone jaaka go tlaa bo go tsenwa mo ngwageng wa 2016, a kgala a menne phatla mokgwa wa botlhoka tsebe mo tirong. Rre Batswana a re mongwe le mongwe o tshwanetse ya re fa a direlang teng a nna le boikarabelo, a itlama go isa ditirelo kwa setshabeng le gone go diragatsa tse di tshwanetseng, a re seo se ka tila gore ba kgopakgopane le mohiri wa bone le go nna le ditlamorago tse di ba tlisetsang matlhotlhapelo. O tsweletse a re mongwe le mongwe o tswanetse a itse fa ‘botshelo jwa gagwe, tiro ya gagwe, e le boikarabelo jwa gagwe, a re ka jalo katlego mo ditirong le mo matshelong a bone e mo maruding a bone. Rre Batswana o ile a eleletsa maloko katlego mo malatsing a keresemose le ngwaga o mosha, a ba gakolola go ikela tlhoko mo ditseleng jaaka ba tlaa bo ba tsaya maeto le mo ditshwetsong dipe fela tse ba tlaa bong ba di tsaya gore ba kgone go tla ba tsweledisa fa ba emeng teng mo ditirong le mo lekgotleng la bone. Fa a tswa la gagwe, mokwaledi wa lekgotla leo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Jabulani David o ne a re go a tshwenya ka jaana go santse go na le babereki bangwe ba ba tsweletseng ka go itlhokomolosa melawana ya pereko, a tlhalosa fa mo ngwageng ono go nnile le dikgang tsa go sa sala morago melawana ya pereko di le lesome le motso. Rre David o ne a supa matshwenyego, a kaya fa palo eo e le kwa godimo thata, e bile mo godimo ga moo, bangwe ba ne ba bona go se gontle ka jaana ba ne ba kobiwa mo tirong. Ka jalo mokwaledi o ne a gakolola maloko go bereka, ba itse fa ba direla bana le ba malwapa a bone, mme ba seka ba nna le dikakanyo dipe tsa gore mo godimo ga lemme le ba le fiwang, ba iphe sepe sa mohiri, ka jaana seo se ka ba senyetsa bokamoso politics 7 Ba Mogome/Mokgware ba lela ka metsi le motlakase Tiro ya go siela banni ba Mogome, Mokgware, Tewane le Radisele metsi gotswa kwa didibeng tsa Bikwe le kgokelo ya motlakase kwa Mogome/Mokgware e eme tsi. Se se tla morago ga gore konteraka e seka ya dumelana ka dituelo tsa tiro e e dirileng le lephata la dikgaolo le tlhabololo magae. Go ya ka banni ba Mogome/Mokgware, go diega go wediwa ka nako ga tiro eo, go ba beile kafa mosing mo go boneng metsi le motlakase, tse baneng ba disolofetse mo ngwageng o o fitileng mme nako kgolo ke eno. Ba buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng dibuisiwa ke mopalamente wa bone, Dr Pelonomi Venson-Moitoi, ba supa fa batshwengwe ke go sa neelweng karabo e e lolameng gore tota mathata ke eng. Goitsi gole gontsi ka kgang eo, ba lekalana la dikgang bane ba itshwaraganya le ba lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, mme ba buisana le Mme Dimakatos Isoa, yo eleng ene a eteletseng tiro eo ya metsi le motlakase pele. E ne ya re go sedimosa ka kgang eo are, bokete ja tiro bodirilwe gosetse fele lesome mo lekgolong gore e wediwe, tiro eo ya kgokelo ya metsi le motlakase e simolotswe ka 2013, ka tsholofelo ya gore etlaa wela ka 2014, mme ga seka ga nna jalo, rakonteraka a bo a okelediwa sebaka. Tiro ya kgokelo ya metsi , a metse e mene,e e eneng e netswe ba konteraka ya N&M Services kgokelo ya dipompo gotswa kwa didibeng goya kwa gotlhatswing metsi teng, e lopile go feta P40.8 million, fa ya go tsengwa ga motlakase go tswa kwa didibeng goya kwa go tlhwatswediwang teng metsi kwa Mogome yone e lopile gofeta P4.7 million, mme yone e weditswe, go emetswe fela gore b aba gokelang dipompo ba wetsa ya bone tiro batho b abo baka bona metsi le motlakase. Mme Isoa are go gokelwa moo ga motlakase goya gothusa batho ba Mogome/Mokgware go akola motlakase o o ralalng metse ya bone. One a supa fa gone ganna le tiro ya motlalaletsa ya go tsengwa ga dipompo tse disielang metse eo metsi go emisitse tse dikgologolo tse di supila fa dirusitse,. Are gosa welanang ga bone le rakonteraka gone ga diya tiro gowela, mme basolofela fa rakonteraka atlaa boela mo kwa lefelo la tiro go etsweledisa morago ga go sokasokana le ene ka sebaka se se leele. Banni ba Madiaela bone bane lebogela temo bare molelo wa mariga batlaa o ora, lefa basa robadiwe ke ditlou tse di mo kgaolong ya bone bare batshelela fela moletshogong. Bannaditilo tse metse e meraro eo bane bare palo e ba e neelwang ya badiri ba ipelegeng e kwa tlase fela thata, mme bakopa gore ba okelediwe badiri. Ba Mogome/Mokgware bane gape bat la goitsegore keeng bodiredi ja mafelo ao ba kaseka ba neelwa RASA. Baile gape balebogela puso go baatumetsa dipilisi tse diritibatsang mogare. Ba Madiaela bane bare botho ba dipalamo tsa setshaba ba gana go bapega, kgang e etswa kgakala mme ga gonko e tswa lamina kay one.. Erile a latlhela la gagwe Mme Venson-Moitoi a supa fa le ene a tshwengwa ke tiro ya tiro eo go wela, mme are sengwe se se motshwenyang ka dipalo tse di kwa tlase tsa babereki ba ipelegeng ke gore bontsi ja batho b aba mo masimo ka nako ya temo ke ba dikgalong tsa Serowe Bokone le Serowe nokone Botlhaba, ba ereng fa gontshiwa dipalo go bo gosa lebelelwe dipalo tsa kgaolo, are kgaolo ya gagwe ena le batho bafeta 38 000. Are fa gontshiwa dipalo go lebelelwe palo ya batho ba masimo, golebalwa gore ba a a kotsega ba okediwa ke b aba baletswe kwa dikgaolong tsa bone, k aba abo batsile golema, are go masimo, meraka ya batho ba dikgaolo tse pedi tseo. Fa a arabela ya di[palamo tsa setshaba mogolwane gotswa koo ofising ya Palapye, Mme Lorraine Gaolebale one a kopa bapalami go tsaya dinomora tsa dikoloi tse diganang go ba pega are molao o t;lhamaletse gore fa badirwa jalo baka otlhaiwa ka go tseelwe diteseletso tse baneeletswe gotrhusa setshaba. Mo mafokong a tebogo Mokhanselera wa Mogome/Mokgware Rre Lesedi Phuthego pone a supa fa kgang ya ,metsi e bathobogantse le batlhophi ba babone. One akopa ba lekalana la metsi go tsibogela go neela batho dikarata tsa metso gore banne ba ipapanne. Ka kgang ya nyaletso lehuma one are batho ba sale baisitswe dithutp nako kgolo ke eno ga baneelwe mananeo bantse fela mo malapeng. Fa mokganselelra wa Radiselele, Rre Kgosiemang Monare, ene ane a supa fa kokelwana ya Madiaela etlaa bulwe godisiwa ele ya nakwana (Mobile Stop). BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Go ntshafadiwa ga McConnell go oketsa mathata Motshwarelela mogokgo wa sekole se segolwane sa McConnell College kwa Tutume, Rre Lemogang Setilo, a re ga a itumelele go ntshafadiwa ga sekole seo. Rre Setilo o supile matshwenyego a gagwe mo phuthegong ya batsadi le bana ba ba yang go dira mophato wa bone kwa sekoleng seo ka Labobedi. A re seemo seo, ga se jese di welang ka se oketsa dikgwetlho tse ba ntseng ba na le tsone. Rre Setilo a re dikhamphani tse di neng di thapilwe go ntshafatsa sekole seo, di tlogetse tiro e sa wela e bile ba sa itse gore di kwa kae. O ne a tlhalosa fa matlo a borobalo a baithuti a wa e bile a se na mabati. A re ntlo ya boapelo le mangwe a borutelo, ga a a dirwa sentle. O tsweletse ka go kopa batsadi, go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana, a bo a kgala batsadi bangwe ba ba kopang bana mo sekoleng kgapetsa-kgapetsa, ka go dira jalo go diga maduo. Rre Setilo o ile a kopa batsadi go kgalema bana go tlogela tiriso ya megala ya letheka mo sekoleng, a bolela fa dipatlisiso di supile fa baithuti ba tsaya nako e ntsi mo go yone go na le ya sekole. A re tiriso ya megala eo e ka rotloetsa mekgwa le ditiro tse di sa siamang mo baithuting. Morutabana wa bokaedi, Mme Onalenna Edward, o ne a bolela fa boimana bo ile magoletsa mo sekoleng, mme a kopa batsadi go bua le bana ba basetsana go ikgapha. Mongwe wa batsadi, Rre Imi Phili, o ne a ngongoregela go tlhoka go rerisiwa e le botsadi ka go ntshafadiwa ga sekole le ditlamorago tse di nnileng teng nako e sale teng. Rre Phili o ne a tswelela a bolela fa ba ka bo ba ne ba tshwaraganela tiro e, gore e tsamae sentle.Bokhutlo education 4 Van Westhuizen o rotloetsa baithuti Baithuti ba thuto ga e golelwe ba kgaolo ya Kgalagdi ba rotloeditswe go tsena sekole ka tlhwaafalo ka seo se ka tokafatsa matshelo a bone. E rile a bula semmusong letsatsi la baithuti kwa motseng wa Middlepits bosheng, ka setlhogo se se reng, ‘ Seabe sa go bala le go kwala mo ditlhabololong tsa sennela ruri’, modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi, Rre France Van Westhuizen a tlhalosa gore le ntswa puso e leka ka bojotlhe go rotloetsa Motswana mongwe le mongwe go itse go bala le go kwala, bagolo bangwe kwa kgaolong eo ba tsweletse ka go nna le ditshwarego fa ba tshwanetse go ya sekoleng mme seo se dira gore ba salele kwa morago mo dithutong. O supile fa gape ba lephata la thuto ba tshwenngwa ke badisa ba ba berekelang kwa merakeng, dipolasing le kwa masimong ka e le bone ba gantsi ba sa itseng go bala le go kwala jalo a kopa bahiri ba bone go ba neela sebaka sa go tsena sekole. O boletse gore lephata la thuto le na le mananeo a akaretsa go ruta bagolo le go ba tlhabolola ka go ithuta ditiro tse di ka ba tsenyetsang madi le go tlhamela Batswana ditiro. O tsweletse a re thuto e botlhokwa ka e thusa mafatshe le mebuso go fitlhelela maitlamo a bone le go tlhabolola sepolotiki le itsholelo ya one. Fa a amogela batsena dithuto tseo, mogolwane wa thuto kwa Kgalagadi, Rre Onalenna Senwedi o tlhalositse fa maikaelelo a dithuto tseo ele go tsibosa baithuti ba Thuto Gaegolelwe ka mananeo a a ka fetolang matshelo a bone mo isagong le go amogana maele a ditiro tsa diatla ka di le mosola mo go bone gonne ba ka itshetsa ka tsone. Le ntswa ba dira se, o bolelea fa ba tshwenngwa ke baithuti ba ba tlogelang sekole . O tsweletse a tlhalosa fa baithuti ba kgaolo eo ba iteka thata ka ba dira ditiro tsa diatla di tshwana le go dira ka wool, matlalo, matsela le go betla ba dirisa dingwe tsa ditlhare tse di mo kgaolong eo. Mme Dijee o supile fa baithuti ba kgaolo ba tla a iteisana borathana ka disupiwa tsa bone e re morago ba atswiwe ka dimpho. O tsweletse a kopa puso go thusa baithuti ba ba inaakantseng le ditiro tsa diatla ka metshine e e rokang gore tiro ya bone e tokafale. Le ene fela jaaka dibui tse dingwe, o supile matshwenyego a go tlhoka go tsena sekole sentle ga baithuti bogolo jang ka paka ya mariga, temo le ka nako ya fa lenaneo la Ipelegeng le tsweletse. Fa a leboga mokhanselara wa Gakhibane/Khawa, Rre Merapelo Mosarwe o rotloeditse bagolo go tsena sekole ka tlhoafalo ka kgaolo ya bone mo dingwageng tse di fetileng go ne go supagala fa batho ba yone ba le bantsi ba sa itse go bala le go kwala. Ends education 4 Bana ba tlhoka thuto ka bogole Thuto ka ba-na-le bogole e botlhokwa go tsibosa setshaba ka botshelo jo ba bo tshelang le dikgwtlho tsa bone. Fa a buisa ba-na-le bogole ka ene kwa moletlong wa bone o o neng o tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng; Go Nonotsha le go Tsaya Karolo mo Tekatekanong le mo Ditlhabololong tsa Lefatshe le, kwa Kanye ka Labobedi, modiragatsi mo go tsa kgaso kwa Seromamoeng sa Botswana, Rre Ontiretse Maidi, o ne a re o eletsa go bona puso ya Botswana e fetotse lenaneo la thuto go akaretsa dithuto tsa ba-na-le bogole go tswa kwa moding. Rre Maidi a re ba-na-le bogole ba bantsi mo Botswana, mme ba felela ba retelelwa ke go nna se ba batlang go nna sone mo isagong ka mabaka a go tlhaela ga ditlamelo. A re fa thuto e ka simologa kwa moding, e ka tswela Batswana, mmogo le baithuti mosola ka ba tlaa felela ba itse go tshela le mo-na-le bogole, a tlatsa ka go re bana ba dikole ba rutwe fela le fa go sena ba ba tshelang le bogole kwa malwapeng gore ba nne le kitso ya gore mo-na-le bogole o tshela jang ka ba tlaa kopana le bone ba ntse ba tsweletse le botshelo. Rre Maidi o ne a gwetlha ba-na-le bogole go nna le mowa wa boipelego ba lese go batla go direlwa sengwe le sengwe ke batlhokomedi le puso. O ne a ba gwetlha gore ba supetse batlhokomedi ba bone gore ba batla go direlwa jang, ba tlhoka thuso e e ntseng jang le gore ba akanya jang. O ne gape a ba tlhalosetsa fa ba ka ikgolaganya le ofisi ya boipelego le mokhanselara fa ba tlhoka thuso, a tlatsa ka go re fa ba filwe sebaka ba se dirise. Rre Maidi o kgothaditse ba-na-le bogole go itshepha le gore ba lese go batla go tlhomogelwa pelo. A re dikgang tse ba-na-le bogole ba kopanang natso di ngomola pelo, bogolo jang tsa marato. O ne a ba kgothatsa gore fa ba thapilwe ba seka ba nna fela ba sa bereke ba beile mo go reng ba tlaa tlhomogelwa pelo ka gore ke ba-na-le bogole, ka jalo o ne a ba kgothatsa go tsenya marapo dinameng go supa bokgoni jwa bone. O ne a ba kgothatsha go nna le kgatlhego le go inaakanya le polotiki ka fa ba na le kemedi ya mo-na-le bogole mo go tsa sepolotiki o ka kgona go ba buelela botoka ka o tlaa bo a bua ka se a se itseng botoka. O ne gape a supa fa go le botlhokwa gore ba inaakanye le sepolotiki ka go ka ba fa sebaka sa gore ba supe gore ba batla go tsewa jang. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti e e rulaganyetsang moletlo wa ba-na-le bogole wa Gamaila, Rre Makgekgenene Kwape, yo le ene a tshelang ka bogole, a re go botlhokwa gore ba bewe mo seemong sa gore ba amogelesege mo setshabeng gore ba tswe kwa mahure. A re e le ba komiti e ne ba bona go le maleba gore ba akaretse ba-na-le bogole mo ditirelong tsotlhe tsa letsatsi leo gore le bone ba tsee karolo mo go tsamaiseng letsatsi la bone, ka jaana le bone ba na le ditaletnte. Rre Kwape o ne a tlhalosa fa ba le mo lenaneong la 2030 gore e le ba-na-le bogole ba bo ba fitlheletse dilo dingwe ka ngwaga oo. O ne a supa matshwenyego a ba kopanang le o ne a tshwana le; matlwana a boithomelo a a beilwe kwa motsheo e bile a le kgakala, ka jalo o ne a kopa gore ba beelwe matlwana gautshwane a atamediwa dikago kwa ba tlaa sekeng ba tsamae sekgala se seleele fa ba a latela. Mogolwane wa ofisi ya boipelego le tlhokomelo matshelo a batho wa khansele-potlana ya Kanye mme Rose Mokomeng a re maikaelelo a letsati leo ke gore ba-na-le bogole ba tsee karolo mo go tlhaloganyeng gore ditshwanelo tsa bone tsa reng, le gore mo ditlhabololong tsa lefatshe ba ka tsaya karolo efe. A re ba-na-le bogole ba akareditswe mo bukaneng ya ditshaba ya 2030. A re go nonotshiwa ga bone go ba thusa gore ba bone gore ditlhabololo tsa lefatshe di ba tsholetse eng, gore ba bone gore fa ba bua ka botshelo ba akarediwa mo go ntseng jang, fa ba bua ka ditshwanelo tsa bone ba bua ka ditshwanelo eng. education 4 Ba Ngware ba re ba tlhoka thuso Mothusa modula setilo wa komiti ya ditlhabololo ya Ngware, Mme Mmaona Kgotlhang a re go na le tshalelo morago mo go thuseng batho ba motse oo ba ba mo mananeong a puso a nyeletso lehuma. E rile mo potsolotsong, Mme Kgotlhang a supa fa mo motseng oo go na le batho ba ba rutetsweng go suga matlalo, go bopa dinkgwana, go roka ga mmogo le ba ditshingwana tsa mo malwapeng. Mme Kgotlhang a re batho ba ba rutetswemg go suga matlalo kwa Ngware ga ba ise ba bone thuso ya madi a go similodisa kgwebo ya bone ntswa ba reketswe didirisiwa. O bile a ngongorega gore batho bao ba ne ba laelwa ke khansele go ithekela matlalo go simolodisa kgwebo, mme a re seo se a ba ketefalela ka ba itshetsa fela ka Ipelegeng e madi a yone a sa lekanang go reka matlalo a go simolodisa kgwebo. A re ba ba rutetsweng go bopa dinkgwana bone ba sale ba rutetswe tiro eo ka 2009 mme le gompieno ga ba ise ba rekelwe didirisiwa, fa ba ditshingwana bone a re ga ba ise ba di agelwe. Mo go tse dingwe, Mme Kgotlhang o ne a kopa puso gore e tshele sekontere ditsela tse di tsenang mo motseng go tswa kwa Molepolole le kwa Letlhakeng. A re mo nakong ya gompieno ditsela tse di nna fela ka go gopiwa le go tshelwa mmu o a reng ga se wa boleng jo bo siameng ka jaana o nna seretse nako ya dipula. Mme Kgotlhang a re fa puso e ne e ka tshela ditsela tse sekontere e ne e ka somarela madi ka go dirisiwa madi a mantsi mo go di gopeng. Mme Kgotlhang o ne gape a kopa puso go ba agela kokelwana ka a re fa e sale e nna motse o o ga o ise o ke o agelwe kokelwana, ka mo nakong eno ba dirisa kamore e nngwe fela e e agilweng ka lenaneo la Ipelegeng. A re se se dira gore balwetse ba seka ba nna le sephiri fa ba ile go itekodisa ba booki. O ne gape a tlhalosa fa ba sale ba kopile khansele go shafatsa matlo a bonno a bana ba ba nnang kgakala le ditlamelo go a fetola go nna sekole sa bananyana mme a re fa e sale ba solofedistswe nako kgolo ke eno. A re maikaelelo e ne e le gore fa matlo ao a sena go shafadiwa ba abele mmaboipelego kamore e nngwe e le ofisi ka jaana a se na ofisi e e siameng. Mme Kgotlhang o ne a supa fa sekole se segolwane sa Ngware se ba saleng ba se solofeditswe dingwaga tse di fetileng jaanong go lebega se tlaa atlega ka jaana ba thuto ban e ba tsile bosheng go tla go tlhola seemo. A re selo se se tlaa thusa bana ba motse go bona ditiro ka jaana bontsi jwa bone ba ntse fela mo motseng mme ba lwela Ipelegeng le bagolo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Komiti e bolotsa letsholo Komiti ya ipabalelo tseleng e e akaretsang badirelapuso ba maphata a a farologaneng e ipaakanyeditse go ema mo ditseleng tsa toropo ya Lobatse malatsi a le mararo pele ga malatsi a ga Tautona. Ba boletse fa ba tlaa bo ba ruta bakgweetsi ipabalelo tseleng le melao e mesha ya tsela e e setseng e le mo tirisong. Ba ne ba buwa mo kopanong ya go ipaakanyetsa tiro eo e ba tlaa e pataganelang le mapodisi. Ba tlhalositse gore ba tlaa bo ba eme mo ditseleng tse di tsenang le go tswa mo Lobatse. Mme Tebogo Thebe yo e leng mokwaledi wa komiti o ne a tlhalosa fa ba tlaa bo ba ruta setshaba segolo thata bakgweetsi ka dilo tse di ka tsenyang matshelo a bone mo diphatseng, go obamela matshwao a tsela le go kgweetsa sentle. A re bakgweetsi ba atisitse go bua ka mogala ba kgweetsa mme ke molato o o atlholelwang P500. Mme Thebe o begile fa molao mongwe o mosha e le o o reng ngwana yo o dingwaga di tlhano o duela fela jaaka mongwe le mongwe mo dibeseng. A re ba tlaa bo ba ikaegile ka tlhogo ya kgang e e reng ipabalelo tseleng boikarebelo jwa me. O boletse fa ba ema mo ditseleng nako le nako ka malatsi a boitapoloso go tsibosa ka bodiphatsa jwa go sa obamele melao ya tsela. Inspector Kgopolo Moshebashebi o ne a kopa maloko a komiti eo go ruta setshaba ka matsetseleko melao ya tsela e e mo tirisong. Mogolwane yoo a re go dira jalo go tlaa thusa fela thata go fema dikotsi tse di gakalang segolo ka malatsi a boitapoloso. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Nhabe o ka tlhama dikete tsa diphatlha tsa mebereko Dikgosi tsa metse e e mo molelwaneng wa Botswana le Zimbabwe tsa re ga di jesiwe diwelang ke tshenyo ya terata ya molelwane e e kgaoganyang mafatshe a mabedi ao. Mo potsolotsong, Kgosi Louis Siviya wa Siviya o tshwaetse fa tshenyo e e bakwa ke batho ba ba gwebang ka go tlodisetsa leokwane kwa Zimbabwe ka bokukuntshwane ka ba phunya terata go bula tsela ya dikoloi. O tlhalositse gore mo metseng e mengwe jaaka bo Gungwe, Mbalambi le Zwenshambe terata e e sentswe ke ditlou ka di e gata fa di kgabaganya molelwane go nwa metsi mo matamong. A re tshenyo e e baka gore dikgomo tsa mafatshe a mabedi di felele di kgabaganya molelwane ka go rata le go kgona mme se se gakatse kanamo ya tlhako le molomo. Kgosi Siviya o supile gore ka ntlha ya terata e, magodu le bone ba utswa leruo, segolo jang la Botswana le le tlolelang kwa Zimbabwe. A re e le bogogi jwa motse ba rotloeditse banni go disa leruo mme bangwe ba santse ba saletse kwa morago. O tsweletse ka go tlhalosa fa ba lephata la matlhoko a leruo ba thapile batho mo metseng go tlhokomela motsamao wa leruo kwa molelwaneng mme a re ga a itumedisiwe ke maiteko a bone ka ba sa tsenye leitlho thata go tlhomamisa gore leruo ga le tlole molelwane. Kgosi o buile fa dikgomo tsa Zimbabwe di kile tsa kgabaganyetsa mo Siviya mme ba lephata la matlhoko a leruo ba di bolaya ba bo ba di tshuba jaaka go tshwanetse go itsa kanamo ya tlhako le molomo. Kgosi Sonnyboy Buka wa Gungwe o buile fa batho ba sa tlhole ba disa leruo mme se se baka gore le itaole mme le felele le tloletse kwa Zimbabwe. Kgosi Buka a re dikgang tsa leruo le le senyang mo masimo di ya magoletsa ka ntlha ya gore leruo ga le tlhokomelwe. A re banni ba metse e e mo molelwaneng ba tshwanetse go nna kelelelo go tlhomamisa gore leruo la bone ga le tlolele kwa Zimbabwe go itsa gore le bolawe. Kgosi George Moroka wa Moroka o ne a kgala ba ba gwebang ka go tlodisetsa leokwane kwa Zimbabwe ka bokukuntshwane a re ba na le seabe mo go phunyeng terata ya molelwane. O kopile banni botlhe ba metse e e mo molelwaneng go berekisana le mapodisi go tlhomamisa gore batho ba ba dirang borukutlhi bope fela mo Botswana le Zimbabwe ba a tshwarwa. politics 7 Koporase ya motlakase e abetse komiti madi Ramaranyane wa koporase ya motlakase go tswa Morupule Rre Oratile Mmusi o akgoletse komiti ya kokoanyo matlole e e baakanyetsang molelo wa kgolagano ya Serowe go bo e tshwere ka natla go netefatsa gore tiro e, e tsamaya ka thelelo. Rre Mmusi o buile se kwa mogwantong o o neng o rulagantswe ke komiti eo bosheng kwa Serowe. Mogwanto o, o ne o similola kwa CTO mme wa felela kwa kgotleng kgolo. Mogwato o o ne o tshwerwe go kokoanyetsa komiti e madi go bona gore letsatsi le nna le bontsi jo bo tlaa le gakologelwang bogolo jang ka lefatshe leno le tlaa bo le ipelela dingwaga tse di masome matlhano le ipusa, mme e bile molelo o o tlaa bo o tshwerwe kwa Serowe ka letsatsi la ga Tautona wa ntlha Sir Seretse Khama kgwedi ya Phukwi e tlhola gangwe. Molelo wa kgolagano o tsile go nna kwa Serowe malatsi a le mane, ntswa o goroga kwa kgaolong -potlana ya Serowe (SAA) kgwedi eno e le masome mabedi le bongwe, mme o gorogela kwa motseng wa Malatswae. Rre Mmusi o ne a re koporase ya motlakase, e ikemiseditse go tsenya letsogo mo ditirong tsa setshaba go rurifatsa gore ba tokafatsa matshelo a banni ba lefatshe leno, a re ke ka seo ba boneng go tshwanela go fa komiti e madi a a kana ka P50 000 go baakanyetsa tiro e kgolo e e tlang. E rile a ntsha la gagwe mothusa motshwarelela bogosi jwa Gammangwato Kgosi Serogola Seretse a leboga bao ba ba neng ba gwanta a re selo se, se supa lorato le boikarabelo jwa bone. O ne a re mogwanto o, o mosola thata bogolo jang mo kgannyeng ya botsogo le gone go bona thotloetso ya madi. Kgosi Seretse o ne a re selo seo ke sesupo sa gore ba tshwaraganye go isa lefatshe la bone ko pele, ka tiro e, e le ya botlhe. politics 7 Mogolwane o rotloetsa temo Mogolwane wa lekalana la dijwalo mo lephateng la temo-thuo, Rre Taelo Ramokapane, o kopile balemi go ntsha dijo tse di lekaneng go jesa lefatshe leno. Rre Ramokapane o buile jalo fa a buisana le balemi ba kgaolo ya Legare, morago ga go lemoga fa bontsi bo sa baya ditema ka ntata ya dipula tse di boutsana. A re fa fa dipula di le boutsana, kgaolo eo yone e bona dipula tse di ka dirisiwang go kgwarinya kwa masimong, fa go tshwantshwanngwa le mafelo a mangwe jaaka kwa Borwa. Rre Ramokapane a re fa mafelo a a kwa borwa a kgona go dirisa dipulanyana tse e seng tsa sepe go lema, kgaolo ya legare yone e ka palelwa ke eng go dira jalo. A re bokgola jwa dipula tsa bosheng di ka ba orisa molelo wa mariga. O ne a supa fa monongwaga kgaolo ya Africa yotlhe e babaletswe ke leuba, mme lefatshe lengwe le lengwe le ya go somarelela batho ba lone ka se le nang le sone. O ne a kgothatsa balemi go lema dipeo tse di bogadi bo gaufi, tse di ka emelelanang le seemo sa loapi. Rre Ramokapane a re seo se ka tswa tema fela fa balemi ba reeditse se balimisi ba se ba bolelelang, go lema mabele go na le mmidi ka one o tlhoka pula e ntsi. O ne a supa fa Pandamatenga,Borolong le Ngwaketse e le bone ba ba nang le masimo a matona a a ka kgonang go jesa lefatshe leno, mme a re e re le ntswa kgaolo ya Legare e sena masimo a matona mme e ka ntsha dijo fa masimo a a teng a ne a lengwa otlhe. O ne a kgothatsa barui gore ba ntshe leruo mo masimong, gore thobonyana e e tlaa bonwang Batswana ba kgone go e kgaogana le ba bangwe, mme a bo a gatelela gore ba ba nang le masimo ba sa a leme ba a adime ba ba ka a lemang go na le gore ba a beye fela. Fa a itebaganya le balemisi o ne a re bontsi jwa bone ke bommantswitswidi ba dithuto tsa temo mme ba di dirise go tlhabolola balemi ka tsone gore ba kgone go itse le go tlhaloganya gore ba ka ntsha dijo ba lemile jang, nako efe le gone go itse gore ba tsenya menontshane leng. A re badirise dikitso le boitseaanape jo ba bo amuleng mo dithutong tsa bone tsa temo , banne le balimi kwa masimo, basimolodidi ditiro tsa temo le balimi. O ne gape a dira tlhagiso are puso e tsweletse ka godira ditsheka tsheko ka mananeo a temo, segolo jang la ISPAAD, gore ere isago go lebelelwe balemi ba ba tsentseng marapo mo dinameng ka maikaelelo a go ntsha dijo. O ne gape a kgothatsa balemi go rema masimo a bone go fokotsa dikgwa tse a rileng di oka diji, a bo a ba kopa go bopa makgotla a balemi a ka one ba ka buisanang le puso ba le seopo sengwe. E rile ba akgela balemi ba supa fa diofisi tsa balemisi di se mo seemong se se ka kgontshang go ntsha maduo a a batlegang, ba re fa ba direlang teng ga go amogelesege, Rre Frank Balone o ne a re a puso e direle balemisi ka fa tshwanelong gore ba dire tiro ya bone ka manontlhotlho ka go ba neela dikoloi, dikhomputara le go ba agela diofisi le one matlo a boroko. Rre Shathani Mmereki ene o ne a re puso e sekaseke go ba direla dikadimo tsa madi ka dinako tsa temo gore ba kgone tiro ya bone ya temo ka dibanka di sa kgone go dira jalo, mme a supa fa diphologolo di senya thata mo masimong ka nako ya temo, le gone gore ipelegeng e emisiwe ka nako ya temo, le gone gore boranyane jwa diofisi tsa temo-thuo bo tlhabololwe. Rre Simon Mathake ene o ne a re a go fefosiwe teratelo masimo ka lenaneo la cluster fencing, a re lenaneo leo le tsamaya ka bonya. Bangwe ba ne ba re ba kopa puso go ba thusa go gokela didiba tsa bone ka marang a letsatsi, ka ba turelwa thata ke mafura ba re seo se ka thusa gore ba leme ngwaga otlhe ka ba tlaa bo ba na le metsi a go nosetsa. Ba ne gape ba kopa puso go ba thusa go reka digogi tse di pitikololang mmu pele ga temo, morago ga go lemoga fa di na le mosola mo temong, e bile di dira gore dijalo tse di bogadi bo gaufi di mele ka bonako. Rre Oteng Tebape o ne a re nako e tsile ya gore puso e neele madirelo a a ikemetseng ka nosi go tshela dichefi mo masimong, go na le gore di itirisetswe ke batho ka bongwe ka bongwe a re ga di dirisiwe ka fa tshwanelong, fa Rre Gidion Male ene a ne a re a tiriso ya tsone e elwe tlhoko ka le tsone di na le seabe mo go bolayeng boleng ja mmu. Rre Male o ne gape a re ka nako ya leuba barui ba thusiwe ka theko phokoletso ya dijo tsa leruo, mme balemi bone ga go na sepe se ba thusiwang ka sone n tswa go solofetswe go le gontsi mo go bone gore ba jese lefatshe leno, o ne a re a e re ka dinako tsa leuba go lebelelwe metsi le motlakase tse di dirisiwang thata ke balemi mme di sekasekelwe mo theko phokoletsong. Fa a ba kgwa dikgaba, mogolwane wa tsa dijalo o ne a dumelana le bone ka tse ba supileng ka balimisi, mme a re sengwe se a dirwa diofisi di ntse di a agiwa fale le fale le gape gore ba tlaa rekelwa dikhompiutara tsa dilaptop. Ka kgang ya metsi o ne a re puso e mo tshekatshekong ya kafa ba ka thusiwang ka teng gape a re didirisiwa tsa go baakanya mmu pele ga temo di tsile, mme a gatelela go ipopa ga balemi a re go ka ba direla tiro motlhofo go reediwa ka lentswe le le lengwe. economy_business_and_finance 3 Mopalamente o akgola komiti ya ditlhabololo Mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng-Lephephe, Rre Liakat Kablay, o akgotse komiti ya ditlhabololo tsa Letlhakeng go bo e sa ntse e na le mowa wa bopelotlhomogi. Rre Kablay o ne a bua jalo morago ga gore komiti eo e supe mo pegong ya yone mo phuthegong ya kgotla fa e agetse mo-na-le-bogole mongwe mo motseng oo ntlo ya boitiketso. Rre Kablay o ne gape a gakolola banni go dirisa mananeo a puso go itlhamela ditiro. A re lenaneo le tshwana la Ipelegeng le tshwanetse go ntsha maduo gore motlha le yang bokhutlomg le tlogele motlhala. O ne gape a ba gakolola go tsaya maikarabelo a go tlhokomela masimo a bone e seng gore ba leme ba bo ba tla go nna mo gae ka seo e le tshenyetso setshaba ka puso e dirisa madi a mantsi go ba thusa mo go lemeng. Rre Kablay a re barui ba tshwanetse go tlhokomela leruo la bone go netefatsa gore ga le tlhagele mo masimong ka seo e ka nna poelo morago, mme a kopa balemi go agelela masimo a bone. Fa ba ntsha la bone, banni ba Letlhakeng ba ne ba lela ka ditsela tse disha tsa mekgwatha tse di agiwang mo motseng oo ba re ga di fele, mme ba re dikholobete tsa yone ga di a siama ka jaana di ema metsi mme se se nne borai mo matshelong a bana. Banni ba ne ba ngongoregela go nna maoto a tshupa ga khamphani go tla go baakanya matlo a bone a a sentsweng ke kago ya ditsela tseo. E rile a araba selelo sa bone Rre Gaborone Phiri go tswa kwa go ba ba okametseng tiro ya tsela e kwa Molepolole a re magatwe a gore rakonteraka o tsamaile ga se boammaaruri ka jaana tiro ya gagwe e ise e fele mme a solofetsa banni gore fa tsela e fela ba tsile go boa ba tsamaya le malwapa otlhe a a fa tlase ga yone go bona tshenyo mme ba ba senyegetsweng go bonwe gore matlo a bone a boela mo seemong se a neng a le mo go sone. Mo go ya dikholobete o tlhalositse fa se se dirang tiro ya bone bonya e le ka gore tsela e dirwa mo motseng o o setseng o agilwe mme jaanong ba ne ba leka go dira ba sa kgoreletse ope mo bonnong jwa gagwe ka jalo dikholobete tsa felela di bapile le malwapa mo di feletsang di tsenya metsi mo malwapeng. Rre Phiri a re ba tlaa bona gore ba baakanya jang dikholobete gore di fetise metsi ka jaana ba ise ba fetse go dira tsela, mme e bile ba tlaa ntsha leswe kana matlapa a a mo thoko ga ditsela ka jaana tiro ya tsela e e ya bokhutlong mo ngwageng ono. BOPA society 9 Kepo ya motlhaba e tlhoka kelelelo Kgosi Baikananyi Sebetlela wa Maokatumo kwa kgaolong ya Legare o kopile banni ba motse oo go dirisa motlhaba wa molapo ka kelotlhoko go babalela tikologo. O boletse mo potsolotsong fa molapo wa Maokatumo o simolola kwa mekgatsheng ya Tamasane, o feta ka metse ya Diloro, Kgagodi le Mogapinyana o bo o ralala naga go fitlhela o ya go felela o kopana le dinoka tse di tona, ka jalo o tshwanetse go tlhokomelwa gore o solegele botlhe molemo. Kgosi a re go epa motlhaba mo dinokeng le melapo go sena kelelelo, go setse go tlogetse bangwe ba iphotlhere ka go bo dinoka le melapo eo di setse di sa elele metsi sentle. A re seo se ama botshelo jwa batho, ditlhare le diphologolo tse di ka bong di bona metsi mo nokeng eo. “Mo go tsa kgwebo e e amanang le motlhaba, motlhaba o tshwanetse go tsewa mo dinokeng tsa bophara jwa dimithara tse di thataro go ya kwa godimo, mme mogwebi a ikgolagantse le ba lephata la meepo go fiwa teseletso ya go epa motlhaba,” kgosi a tlhalosa. Kgosi Sebetlela a re moikopedi o tshwanetse go tsenya kopo kwa go ba lephata la meepo gore ba mo neele teseletso ya go ka epa motlhaba, e re morago ga go fiwa teseletso a segelwe fa a ka tsayang motlhaba teng mo nokeng ke ba lephata la kabo ditsha. Mo kgaolong ya Maokatumo, kgosi o supile fa ba ba gwebang ka motlhaba ba tshwanetse go kopa teseletso ya go epa motlhaba wa molapo, ba bo ba fiwa fa ba ka tsayang motlhaba teng gore mongwe le mongwe a nne manontlhotlho fa a epang motlhaba teng. A re batho ba ba dirisang dikara tsa ditonki le diteraka, le bone ba rwala motlhaba ka selekanyo se se ko godimo ka jalo puso e tshwanetse go ba tsenya leitlho e le nngwe tsela ya go netefatsa tshomarelo ya motlhaba. Kgosi a re go epa motlhaba mo dinokeng ntle le teseletso, ke molato o motho a ka o atlholelwang madi a a seng ko tlase ga P1000 ebile a sa fete P10 000 go ya fela ka fa molato o ntseng ka teng. Kgosi Sebetlela o rotloeditse botlhe ba ba gwebang ka motlhaba le ba ba nang le keletso ya go gweba ka one go kopa diteseletso ko lephateng la meepo le go itse ka ditsamaiso tsa go epa motlhaba. O tsweletse a kopa sechaba go thusa mo go sepe fela se se ka amanngwang le borukutlhi jwa kepo ya motlhaba. Fa a tswa la gagwe, mothusa kgosi, Kgosi Ketlhapile Kedikilwe a re baeteledipele ba motse, badikgwebo ga mmogo le morafe ba tshwanetse go kopanela dikgang tsa motse di tshwana le go epiwa ga motlhaba ka go bo mongwe le mongwe a tshwanetse go sologelwa molemo ke se se motseng wa gagwe. environment 5 Tswapong Borwa e ipaakanyetsa ditshupo Modulasetilo wa komiti ya ditshupo tsa kgaolo ya Tswapong Borwa, Rre Obakeng Siamisang a re ipaakanyetso ya ditshupo tsa temo thuo tsa kgaolo eo di tsweletse sentle. Rre Siamisang a re fela jaaka gale, ditshupo di tla a tshwarelwa kwa lebaleng la ditshupo kwa Machaneng mme pulo semmuso e tlaa nna kgwedi e e tlang e le malatsi a le masome a mabedi le borataro. O kaile se mo phuthegong e e neng e tswenwe ke banni go tswa mo metseng ya kgaolo ka go farologana ka Labobedi kwa Machaneng. A re le ntswa ba santse ba tlhoka dithuso, ba tsweletse sentle ka go gopiwa ga lebala la ditshupo ka go ne ga nna le kompone e e neng ya ba thusa tiro eo ntle le dituelo. Modulasetilo a re komiti e a e eteletseng pele e setse gape e tlhamile dikomiti tse di potlana tse di tla a thusang mo ipaakanyetsong ga mmogo le ka letsatsi la ditshupo. O rotloeditse morafe go tsaya ditshupo ka tlhoafalo ka a re di ba fa sebaka sa go abelana megopolo le ba bangwe segolo jang mo go tsa temo thuo. Rre Siamisang a re o santse a tshwenngwa ke banni ba metse mengwe mo kgaolong ba ba saletseng morago mo go tsenyeng letsogo mo tirong ya ditshupo. A re gape ba lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la dipalamo tsa go ba thusa go ya kwa go tlhokegang fa ba ntse ba tsweletse le dipaakanyo. Fa a tswa la gagwe, motshwara madi wa komiti e bile e le morulaganyi wa tsa itloso bodutu, Mme Nchadi Jase a re ba tsweletse ka go kwadisa bomme le borre ba ba eletsang go tsenelela mmabontle le rabontle mme mongwe le mongwe yo o eletsang go tsenelela dikgaisano tse o lopiwa P50 fela. A re mono ngwaga ba bone go tshwanela gore ba fe borre sebaka sa go supa bokgoni jwa bone jwa go gata rabontle. O tsweletse a tlhalosa fa maitiso ao, a tla a bo a rotloediwa ke ba Motor Vehicles Accidents Fund (MVA). Mo go tse dingwe, a re go tla a bo go na le metshameko ya kgwele ya dinao e e tla a bong e tseneletswe ke mapodisi mangwe ba mo gae ga mmogo le ba ba tswang kwa mafatsheng a sele jaaka la Aferika Borwa. A re metshameko ya kgwele ya dinao yone e tla a diragadiwa ka lone letsatsi la pulo semmuso ya ditshupo teng kwa lebaleng la ditshupo, mme a gwetlha setshaba go tsaya ditshupo ka tlhoafalo a supa fa seemo sa ditshupo mo dingwageng tseno se sa itumedise fa se tshwantshanngwa le pele. politics 7 Maina a ditsela ke dikaedi tse di botlhokwa Motshwarelela bogosi jwa Hukuntsi, Kgosi Merapelo Tsweneyagae a re maina a ditsela a dira gore go nne motlhofo go itse le go kaya mafelo. O buile jaana mo phuthegong ya kgotla bosheng e maikaelelo a yone e neng e le go buisana ka maina a ba eletsang a ka dirisiwa go bitsa ditsela go ralala motse. Kgosi Tshweneyagae a re seo se tsile go thusa thata ka nako ya fa motho a tlhoka thuso ya potlako, ka maina jaaka dikaedi a tlaa dira gore thuso e goroge ka bofefo. A re maina a ditsela a ka thusa fa go ka diragala gore poso e isiwe kwa malwapeng go na le go e latela kwa mabokosong a poso jaka e le tlwaelo. O rotloeditsa banni go tswa ka maina a ba eletsang a ka dirisiwa mme a gatelelela gore go ntshiwe maina a a tlhapileng go sena matlhapa. Maina a re e nne a a nang le bokao mo setshabeng jaaka a a supang ka fa ba tshelang ka teng kgotsa maina a bagaka ba pele ba ba sa tlholeng ba le mo botshelong. Fa a tswa la gagwe, mothusa motshwarelela kgosi, Kgosi Molaodi Leipego o gakolotse gore go akarediwe batho botlhe mme go boelwe kwa dikgotlaneng go buisana gore ope a seka a tsoga a re o tlogetswe kwa ntle kana o tseetswe ditshwetso. O gateletse botlhokwa jwa go dumalana ka maina a ba eletsang a ka dirisiwa ntle le dikgopi dipe mo go ba bangwe. Rre Gospel Mthetho go tswa kwa khanseleng-potlana ya Hukunsti a re setshaba se tshwaragane se bo se dumalana mo maineng a ba a eletsang. A re go botlhokwa gore go salwe morago ditsetlana tse di beilweng ke lephata la dikgaolo, go tlhomamisa gore ga ba fapaane le tsamaiso. BOKHUTLO politics 7 Bommamathwane ba apesitse sekole sa Boyei kobo ka letshoba Balemi-barui bangwe kwa kgaolong ya Serowe Borwa ba ntshitse mogopolo wa gore lenaneo la Ipelegeng le tswalelwe ka nako ya temo ka gore batho ba phaka dipeo le menotshane ba bo ba ya magaeng ba ya go bereka Ipelegeng. Mogopolo o, o dule mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente Dr Pelonomi Venson-Moitoi. Kwa kgotleng ya Manonnye, Rre Ntesang Ntsesang a re magosogoso a madi a tsena ka lenga la seloko ka bontsi bo phaka dipeo, menotshane e bile ba lemelwa mahala mme go tswa foo ba bo ba phuaganya masimo. Rre Ntesang o tlhalositse fa ba tsaya dilo tseo ba di baya kwa masimo ba bo ba di tlogela ba laela beng ba diterekere gore dipeo di kwa masimo ba ye go lema ba le nosi bone ba theogetse mo Ipelegeng. O dule ka mogopolo wa gore ka nako ya letsema, batho ba rebolwe ba ye go lema ba tlhokomele masimo. A re le fa ba sena go lema ga ba na sepe le masimo a bone, ga ba tlhagole, ga ba lete diji le leruo le a senya ka ba abo ba seyo go tlhokomela. O boletse fa dikgang tsa leruo le le senyang mo masimo di diega gore mong a atlholwe. Balemi-barui ba atlile mogopolo wa gore molao wa bogodu jwa leruo o gagamadiwe gore magodu a leruo a gagamale diphogwana. Kgosana Mokgabung Setimela wa Mogorosi o kopile gore go busediwe omang wa dikgomo ka a ne a le botoka mo go laoleng bogodu jwa leruo. A re go rwesa manyena ga go na mosola ka magodu a kgaola tsebe ya kgomo e bile go le ntsha go se thata. O ngongoregile gape ka ditsheko tsa leruo tse di sekelwang kwa lekgotleng la ga mmakaseterata, a bolela fa magodu a tswa fela ka gore ba batla ba bueledi le mororo barui ba thota ba itse leruo leo. A re go emela tsheko kwa ntle le gone go bosula ka gore bone babelaelwa bao ba nna ba utswa. Gape a re go makgetho a mantsi ba ba bona ba emetse tsheko kwa ntle ba ikgantsha. “Ditsheko tsa leruo di tshwanetse go sekelwa mo makgotleng a Setswana ka ke one a itseng Setswana sentle,” Rre Setimela a tlhalosa. Dr Venson-Moitoi o ne a etetse kgaolo ya gagwe go ba itsese fa jaanong a sa tlhole e le tona, jaanong e le mopalamente fela. politics 7 Kgwebo ya nama e a kokonelwa Batho ba ba gwebang ka nama ya kgomo kwa Molepolole ba jele magala morago ga gore matlhabelo a le mabedi a tswalwe go bo go sala a le mangwefela a a mo tirisong. Seemo se, se dirile gore go nne le mosuke wa dikgomo kwa masakeng a matlhabelo a Kubu. Bagwebi ba, ba ba akaretsang bommelara le badibuchara, ba re go tswalwa ga matlhabelo ao go dirile gore palo e e tlhabiwang ya dikgomo ka letsatsi e nne kwa tlase mo go felelang go baka gore leruo le tseye sebaka se se leele mo masakeng mme pheletso le pharame ka ntata ya tlala. Bagwebi ba buile mo potsolotsongbosheng gore e re le ntswa matlhabelo a beetswe seelo sa go ka tlhaba dikgomo di le masome mabedi le botlhano ka letsatsi mme ga go kgonagale. Ba re ba tswa go ikuela kwa go mothusa mookamedi wa lephata la matlhoko a leruo gore matlhabelo ao a okeletswe palo ya dikgomo tse di tlhabiwang ka letsatsi. Ba tsweletse ba re mothusa mookamedi wa lephata leo o dumetse gore palo ya dikgomo e e ka tlhabiwang kwa matlhabelong ao e nne masome a mane ka letsatsi go fema seemo. Le fa go ntse jalo, bagwebi ba dikgomo ba kgadile thata batlhatlhobi ba nama ba ba direlang kwa matlhabelong ao ka ba re, ba tla morago ga nako kwa matlhabelong mme se se bake gore go tlhabiwe palo e e kwa tlase ya dikgomo, selo se ba reng se isitse kgwebo ya bone kwa tlase thata ka dibuchara dingwe di setse di tswetswe ka ntlha ya tlhaelo ya nama. Ba re seemo se se bakile gore bangwe ba bone ba palelwe ke go duela dirente le gore bareki ba bone ba latlhegelwe ke tshepho mo dikgwebong tsa bone. Mongwe wa bagwebi, Rre Oshinke Nthatsi yo e leng mmelara gape a na le kgwebo ya buchara a re dikgomo tsa gagwe di na le malatsi a le mararo di le mo masakeng. A re di setse di tlhofofetse thata mme selo se se mo losa le batho ba a ba rekisetsang dikgomo. Fa a tswa la gagwe mong wa matlhabelo a Kubu, Rre Kabelo Segola, o tlhalositse fa seemo se se mmabalela phetelela ka le ene e le rabuchara. A re buchara ya gagwe e tsere malatsi a le marataro e sena nama. Gape a re go tlhoka go tlhaba palo e e bonalang go a mo tlhobosa mo bathong ba a ba tlhabelang. Erile a tsibogela matshwenyego a bone, mogolwane mo ofising ya matlhoko a leruo Dr Kingsley Siele a bolela fa ba itsile ka koketsego ya dikgomo kwa matlhabelong a Kubu kgwedi eno e simologa. A re matlhabelo a le mabedi a tswetswe ka go sa shafadiwa diteseletso, mme a le mangwefela e le one a leng mo tirisong. Dr Siele o tlhalositse gape gore matlhabelo mangwe le mangwe a letlelelwa go tlhaba dikgomo di le masome mabedi le botlhano fela go lebeletswe bokgoni jwa matlhabelo gore a ka tsaya dikgomo di le kae ka palo le bophepa jwa lefelo leo. Le fa gontse jalo o rurifaditse gore ofisi ya gagwe e lemogile mosuke kwa matlhabelong a Kubu morago ga gore matlhabelo a mangwe a tswalwe mme ba kgonne go oketsa palo ya dikgomo tse di tlhabiwang kwa matlhabelong ao go tswa mo go masome a mabedi le botlhano go tsena mo go masome a mararo go ya masome a mane. O buile gape a supa gore fa e sa le barui ba ikuela, ba lemogile fa dikgomo tse di tlhabiwang mo kgweding di lekana motse wa Molepolole a tlatsa ka gore bothata bo bakwa ke batho ba ba tswang mo dikgaolong tse dingwe ba tla go tlhaba dikgomo mo Molepolole mme ba felele ba dira mosuke. A re batho ba metse e e mabapi jaaka e e bapileng le Gaborone ke bone ba tlhokang nama thata. society 9 Lenaneo la Tanka ya me, Matlakala a me le simolodisitswe Ofisi ya tlhokomelo tikologo mo khanseleng ya Molepolole e simolodisitse lenaneo le le bidiwang Tanka ya me, matlakala a me la tiriso ya tanka ya matlakala mo malwapeng le mafelo a eseng a kgwebo, go thusa go tlhokomela tikologo. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, mogolwane wa ofisi eo Mme Christinah Kalane o tlhalositse gore e rile bosheng ofisi ya rolela morafe wa Molepolole lenaneo le kwa kgotleng kgolo ya Bakwena. A re maikaelelo a lenaneo le, ke go rotloetsa batho go tlhokomela tikologo bogolo jang mo malwapeng. Mme Kalane a re ofisi eo e itlamile go ruta morafe wa Molepolole ka botlhokwa jwa go nna mo tikologong e e phepa. O boletse fa ofisi e simolodisitse lenaneo le kgwedi eno mme ya reka ditanka di le 300. A re tsamaiso ya lenaneo le, ke gore morafe o duela P200.00 kwa ofising ya madi ya Molepolole mme tanka e tsewe kwa ofising ya tlhokomelo tikologo. A re morago ga go fiwa tanka ya matlakala, khansele e tla tsaya matlakala kwa lefelong sebaka sa dikgwedi tse thataro. O boletse fa morafe wa Molepolole o ikitaya ka thupana go ikwadisetsa lenaneo le, e bile ba etela ofisi go itse ka lenaneo la ‘tanka ya me, matlakala a me’. O tsweletse a supa fa ofisi e gatetse pele go rotloetsa morafe go tlhokomela tikologo a re e rile bosheng ofisi ya tshwara dikgaisanyo tsa bophepa jwa malwapa e le tsela nngwe ya go rotloetsa batho go tlhokomela matlakala mo malwapeng. O kaile fa dikgotla tse tlhano mo Molepolole di ne tsa tsaya karolo mo kgaisanyong e, di akaretsa, Goo-Ntloedibe, Ntloolengwae, Ratlhomelang, Ratotobole le Lephaleng. O boletse fa ofisi e ne e thusiwa ke baemedi go tswa mo dikgotleng tse go kanoka le go tlhopha malwapa a mararo a a phepa mo kgotleng nngwe le nngwe. A re moono o, e ne e le go rotloetsa batho go tlhokomela matlakala mo malwapeng. A re ofisi e ne ya itlama go tseela malwapa ao matlakala mahala sebaka sa kgwedi tse tharo, seo e le yone mpho mo dikgaisanyong tse. Mme Kalane o ne gape a gatelela botlhokwa jwa go somarela tikologo, a tlatsa ka gore go latlha matlakala mo tseleng le go a tshuba ke molato. Go ya ka Mme Kalane, batho ba dirisa ditsela tse di sa letlelelweng go latlha matlakala. O ne a nankola molao wa tlhokomelo matlakala wa 1998, a supa fa go latlha matlakala fa a sa tshwanelang le go a tshuba e le molato. O ne gape a bolela fa katlholo ya molato wa go latlhela matlakala fa a sa tshwanelang jaaka mo tseleng e le P14 000.00 kgotsa dingwaga tse di sa feteng lesome mo kgolegelong. Mme Kalane a re batho ba tshwanetse go tshwara matlakala ka kelelelo, ka jalo o kopile morafe wa Molepolole go tswelela ba ikwadisetsa lenaneo la ‘tanka ya me, matlakala a me’. A re ke boikarabelo jwa morafe go tlhokomela malwapa, ka jalo ba dirise tanka ya matlakala mo malwapeng. Bokhutlo environment 5 Ba Shadishadi ba re bojalwa jwa Setswana ga bo na selabe Morafe wa ShadiShadi le metsana e e mabapi ba boleletse lekoko le le romilweng ke palamente go sekaseka melawana le tiriso ya bojalwa gore fa go tla ka fa bojwalweng jwa Setswana, puso e seka ya gagamatsa setoropo thata ka jaana bojalwa joo bo sena selabe fa go tshwantshanngwa le majalwa a mangwe. Banni ba buile jalo ka Labone mo thulaganyong ya patlo maikutlo e e eteletsweng pele ke lephata la botsogo go tsaya megopolo mo Batswaneng lefatshe ka bophara. E re ntswa banni ba sa iphitlha ka monwana ba supa ka fa nnotagi e tsisang ditlamorago tse di sa siamang ka teng, ba boleletse lekoko leo fa go nowa ga bojalwa go ile magoletsa. Ba kaile fa modumo mo dibareng o o bakwang ke diletso le one o sa ba robatse. Ba tlhalositse fa go nowa ga bojalwa phetelela go bakwa ke go bo go sena ditiro mo motseng jaanong go nwa bojalwa le maitiso a dibara e le yone tsela fela e banni ba koo ba itlosang bodutu ka yone. Le fa go ntse jalo banni ba re ba itemogetse gore bojalwa jwa Setswana jone ga bo na ditlamorago tse di kalokalo e bile ba kopa puso gore e sekaseke dinako tsa thekiso ya bojalwa jwa Setswana. Bare ba lopa gore bo bulelwe phakela ka nako ya lesome bo bo bo tswalelwa ka nako ya borataro mo maitseboeng. Ba re ba buisiwa se ke gore bojalwa jo ga bo batle go tsaya nako e telele ka bo senyega ka pele. Mongwe wa banni Rre Kabelo Gabanakgosi o kopile puso gore bojalwa jwa Setswana bo seka jwa emisiwa ka jaana go tswa goo lowe batsadi ba bone ba itshetsa ko jone. O buile gape gore ga bo bogale e bile ga bo na ditlamorago. Ka jalo o kopile gore bo baakanyediwe dinako tsa go bulwa le go tswala fela ebile bo seka jwa lelediwa diletso. Bangwe ba gateletse gore ba itshetsa ka bojalwa jwa Setswana, ka jalo ba kopile puso gore bojalwa joo bo seka jwa kgethisiwa ka ba ka seke ba kgone go bona se se yang ganong. Go ntse go le foo, Rre Raseiphepi Keforilwe ke mongwe wa ba ba supileng fa majalwa a Setswana a tsenngwa metswako e e borai. O tlhalositse gore majalwa ga a bulelwe ka nako e e beilweng ya bobedi mo tshokologong. Rre Bushy Masogo ene o kopile puso gore lenaneo la banana la metshameko le le ntseng le dirwa ka lekgetho la bojalwa le fetolwe go dirwe lenaneo la tiro ya diatla gore lesolofele banana mosola ka jaana le le leng teng le fetotse bana digole ka ba sa kgone go itirela sepe. Le fa go ntse jalo e ne ya re pele moeteledipele wa lekoko ebong Rre Setso Setso a tlhalosetsa morafe gore lekoko leo le tlhomilwe ke komiti ya palamente mme ya ntsha thomo ya gore go tsewe patlo maikutlo mo Batswaneng botlhe ka kakaretso tebang le melawana, makgetho le tsamaiso tsotlhe fela tse di amang bojalwa. Bokhutlo health 6 Bogodu jwa leruo le dikoloi bo bepile Bogodu jwa loruo le dikoloi jo bo neng bo apesitse banni ba motse wa Pitsane kobo ka letshoba bo wetse tlase. Kgosi Moses Leshomo wa Pitsane, o buile mo potsolotsong gore bogodu jwa leruo bo ne bo le kwa godimo thata ka jaana magodu a ne a tlodisa leruo loo ba kgaola terata ya molelwane kwa motseng wa Tlhareseleele. Kgosi Leshomo o tlhalositse fa go ne ga okediwa mapodise kwa motseng ga ba ga bewa masole kwa terateng eo mme ga dira gore seemo se ritibale, mme le fa go ntse jalo a re go botoka fela thata a tlatsa ka gore ba dirisanya thata le mapodise mo dikgannyeng tse. Mogolwane wa mapodise a e seng a seaparo (CID) kwa Ramatlabama Rre Moses Temogo a re go ne ga utswiwa dikoloi di le pedi bosigo beng ba tsone ba robetse mo ngwageng o o fetileng mo Pitsane . Dikoloi tseo tsa modiro wa Runx le Mazda 3, le tsone go kgaotswe terata kwa Tlhareseleele gore di tlodisediwe kwa Africa Borwa. Rre Temogo a re fa e sale ba dira dikganedi tsa tsela mo kgaolong kwa Metlojane le mo Pitsane, jaanong seemo se ritibetse. A re ga ba ise ba tshware ope mabapi le bogodu jo jwa dikoloi, mme a re go belaesega gore magodu ao a ka tswa a dirisanya le bangwe mo lefatsheng leno. E re dikgang di eme jalo Rre Temogo a re e ne ya re ka Matlhatso a kgwedi ya Moranang e simologa, masole a a sireleditseng molelwane wa Botswana le Aferika Borwa, kwa Tlhareseleele ba ne ba bona koloi ya ‘taxi’ e a reng e ne e utswilwe. O tlhalositse fa magodu ao go bolelwa a ne a bofa mong wa taxi eo mabogo kwa Mochudi kwa ba neng ba e hirisitse teng mme ba tlogela mokgweetsi wa yone kwa Mochudi go siela ka yone kwa Tlhareseleele. Taxi eo, Rre Temogo o ne a tlhalosa fa mong wa yone a ne a bonwa mme o ne a tla go tsaya koloi ya gagwe ka letsatsi le le latelang. Mokhanselara wa Pitsane Rre Lazarus Ncube o lebogetse bonatla ja mapodise. crime_law_and_justice 1 A tshenyetso setshaba e emelwe ka dinao Tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo ke nngwe ya dilo tse di tsileng go setlhafatsa lefatshe leno fa e sa emelwe ka dinao nako e sa ntse e letla. Fa a buisa dikomiti tsa ditlhabololo tsa toropo ya Francistown bosheng, mogolwane go tswa kwa lephateng la twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo, Mme Felistus Hlabano o boletse fa ba tshwaragane le namane e tona ya tiro ya go leka go bereka le setshaba mo go lwantsheng borukutlhi jwa tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo mo lefatsheng leno. Mme Hlabano a re tshenyo e, e ntsi e bile e aname le lefatshe la Botswana, mme a supa fa e bonala segolo bogolo mo maphateng a puso, makalana a a ikemetseng ka nosi le a puso e nang le seabe mo go one. A re se se nankotsweng ke mokwaledi wa khansele ya toropo ya Francistown, Rre Lebuile Israel ka tse di diregang mo khanseleng ya gagwe, le bone e le ba ofisi ya twantsho tshenyetso setshaba ba di lemogile. Rre Israel a re o itumeletse tiro e ntle e e dirwang ke ofisi ya twantsho tshenyetso setshaba ka go lemotsha setshaba ka tshenyetso setshaba e e diragalang letsatsi le letsatsi gonne fa gongwe dilo dingwe ba kgona go di dira, mme ba sa lemoge gore ba dira tshenyetso setshaba. O tsweletse a bolela fa go na le dikgang tse di tshwenyang mo khanseleng mme a supa fa di batla go tsewa ka tlhwaafalo. A re mo khanseleng, ba lemogile gore go na le dikgang tsa tshenyetso setshaba tse di amanang le Ipelegeng ka go duelwa batho ba ba sa tlholeng ba bereka, a tlatsa ka gore dinako tse dingwe bangwe ga ba iponatse mo tirong mme e re fa go setse go amogelwa batho ba go nna jalo ba amogele. O tlhalositse gore maikaelelo a Ipelegeng ke go duela ba ba berekileng fela, a re bangwe ba kgona go kgaogana madi a Ipelegeng ka bo bone mme go sena yo o a bereketseng. Rre Israel a re tshenyetso setshaba e nngwe ke ya ka fa kapeing, a re ba gogela kobo ntlha e le nngwe fela mme a re le tsone diphaphatha tse di apewang ga se tsa maemo a ntlha. O tsweletse a re ba bone go tshwanela gore ba kabe diphatlha ka go thapa motho yo o apayang ngwaga otlhe go na le dibeke tse pedi ka gore ene motho yoo o nna a boelela fela a le nosi. Mokwaledi a re batshwara madi bogolo jang mokwaledi le modulasetilo, ba kgona go ikadima madi a setshaba, mme a supa fa go dira jalo ba bulela mathata. O ba gakolotse gore madi ao ke a setshaba, jalo a tlhokana le tlhokomelo e e kwa godimo. Rre Israel o kopile maloko a dikomiti go tshwaragana le makalana a puso mo dikgannyeng tsa ditsha tsa SHHA, a tlhalosa fa di rekisiwa ka tsela e e gakgamatsang. O kopile setshaba go dirisana le bone fa ba sekaseka ditsha tsa SHHA go bona gore a di na le ditlankana. Rre Israel a re ba tsweletse ka go leka go bona gore ba ka tokafatsa jang dikgang tsa tshenyetso setshaba mme a supa fa di batla tshwaragano. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Balemi ba Dikhudu ba ikemetse ka dinao Maiteko a balemi ba masimo a dikhudu a iteetswe legofi morago ga gore ba ipope setlhopha gore batle ba akole lenaneo la puso la ISPAAD la go agelela masimo. Puso e galaleditse maiteko a bone ka go dumelwa fa batla nna sekao mo go ba bangwe mme le bone ba ikiteye ka thupana go tsenya mananeo a puso mo tirisong. Masimo a Dikhudu a a diekere tse di makgolo marataro le masome a mane le metso e le meraro (643ha) a solofetswe go tsholetsa serodumo sa temo mo kgaolong ya Kweneng.Se se builwe ke gogolwane mo lephateng la temo, Rre Taelo Ramokapane, fa a ne a bula terata eo semmuso ka Labone (Moranang 30). Rre Mokapane a re o lebogela maiteko a balemi bao ka go bonala ba ne ba na le bopelotelele mo tirong eo ka go se motlhofo gore batho ba kgone go kopanela tiro mme e felele e atlegile go sena dikgang. O tsweletse ka gore go matshwanedi gore fa puso e a tlolosa lebogo e thusa batho, ba seka ba boela morago. A re se se dirilweng ke balemi bao, thulaganyo ya puso ka lenaneo la ISPAAD ka puso e ne e gwetlhilwe ke lehuma le letlhoko la ditiro. Rre Mokapane o boile gape a tlhalosa gore keletso ya lephata la temo thuo ke gore lefatshe la bopharo jo bo kana ka jwa masimo a dikhudu ke gore le epiwe dithare tsotlhe le bo le tlhabololwe gore le tsene mo tirisong. O tlhalositse gape gore lefatshe la diekere di ka tshwara dikete tse dimasome lesome le borataro (16 000 ha) le ka kgona ntsa di tonne tsa mabele difeta dikete tse di lesome le borataro. O gakolotse balemi gore bao ba ba sa kgoneng go dirisa lefatshe ba le adime bangwe ka bone kgotsa bo rradikgwebo gore ba le dirise mme lefatshe le kgone go ijesa. Molemisi wa kgaolo Rre Keatlaretse Sello are kgaolo ya Kubung e itikile ka go tsholetsa temo le tiriso ya mananeo. Are e rile lenaneo la ISPAAD fa le simolola balemi mo kgaolong ya gagwe ba ne ba le makgolo mane le masome a marataro (460) mme gompieno palo ya balemi bao e oketsegile go tsena mo go makgolo a marataro (600). Are le fa ntswa kgaolo ya Dikhudu e itemogela dipula tse di boutsana dika tshwara selekanyo tsa 240mm ngwaga le ngwaga, seo ga se aka sa kgoba balemi ba kgaolo eo marapo ka jaanong balemi bao ba dirisa metlhale e mengwe ya didirisiwa tsa temo. Modulasetilo wa cluster ya Dikhudu Mme Keemenao Daniel o lebogile puso go bo e ba thusitse ka lenaneo la go aga terata. Are lenaneo la go aga terata le simolotse ka ngwaga wa 2009 mme kopo ya bone ya atlega ka ngwaga wa 2012. Are beng ba masimo ba le masome mararo le bobedi (32) ke bone ba kgonneng go ka ikopanya. economy_business_and_finance 3 Tswapong o akotse boipuso Dikgotla tsa metse ya Tswapong ka go farologana di ne di penologa ka bagolo, banana le bana ba ba neng ba tsile go keteka boipuso jwa lefatshe leno jwa masome a matlhano. Go ne go bonala fa banni ba ne ba sa bolo go emela letsatsi la go keteka boipuso jo ka botlhe ba ne ba kgabile ka diaparo tsa mebala ya folaga ya lefatshe leno e e nang le botala jwa loapi, bosweu le bontsho. Mebala eo e ne e bonala gape mo dikgotleng tsotlhe tsa metse yotlhe ya Tswapong. Go ne go kgatlhisa thata ka go ne go sena motse o o neng o batla go gaisiwa. Banni ba ne ba ipelela boipuso ka go bala molaetsa wa ga Tautona mme morago ga moo mmino wa dikhwaere ka go farologana, maboko le mmino wa Setswana tsa nna matsorotsoro mme melaetsa ya tsone e remeletse mo go bueng ka boipuso jwa masome a matlhano le kwa lefatshe leno le tswang teng le kwa le yang teng. Dibui ka go farologana kwa meletlong ya boipuso di ne di galaletsa Batswana ka gobo ba tshela ka kagiso go sena dikgoberego dipe. Ba re dingwaga tse di masome a matlhano tse lefatshe leno le di ipelelang ke katlego e kgolo fela thata mme ga go thona gore Batswana ba bo ba itumetse. Rre Ookeditse Mogwera wa Maunatlala o ne a re Batswana ba tshwanetse ba lebogele dikgosi tse tharo tse di neng tsa ya go kopela lefatshe leno tshireletso kwa go Mmamosadinyana ebong Kgosi Bathoen wa Bangwaketse, Kgosi Sebele wa Bakwena le Kgosi Khama wa boraro wa Bangwato. A re fa lefatshe leno le sena go tsaya boipuso go ne ga rena kagiso mme go na le tse dintsi tse di neng tsa diragala bogolo jang tsa katlego. Rre Mogwera a re boipuso jwa lefatshe leno e tshwanetse e nne kgwetlho mo Batswaneng gore ba tswelele ka kagiso le thokgamo e ba ntseng ba tshela ka yone. arts_culture_entertainment_and_media 0 Dipaakanyo tsa moletlo di tsweletse sentle Mothusa molaodi wa toropo ya Lobatse mme Kolobetso Sejakgomo a re dipaakanyo tsa go ipeelela dingwaga tse di lekgolo le masome a mabedi tsa toropo ya Lobatse di simolotse. Mme Sejakgomo o buile se bosheng wa beke ee fetile mo Lobatse jaaka gone go tshwerwe bokopano go ipakanyetsa moletlo o. O boletse gore komiti kgolo ya moletlo o, e e akaretsang mmatoropo, molaodi, mokwaledi wa makgotla a Setswana, ofisi ya mopalamente, kgosi le ba dikgwebo e na le dikomiti potlana tse di filweng boikarabelo jwa go baakanyetsa maphata a farologaneng a moletlo, jaaka moletlo oo o tla tshwarwa ngwaga ono,kgwedi ya Ngwanatsele mo bekeng ya ntlha. Mme Sejakgomo a re dikomiti potlana tseo di dirilwe ka go akaretsa banni ba Lobatse, dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse ka di kgaolwana, badirela puso, ba dikgwebo, bana-le-bogole le makhanselara O tsweletse a re le fa dipaakanyo di tsweletse setshaba se tla itsisewe ka lefelo le go tla tshwarelwang moletlo teng. Mothusa Molaodi o ne a tlatsa ka gore go tla nna le ditiragalo tse di tsibosang ka moletlo malatsi pela ga letsatsi legolo. Mo go tse dingwe mme Sejakgomo , o tlhalositse gore banni botlhe ba Lobatse ba tshwanetse go tsena ditiro tse tsa matlhagolatsela a moletlo o motona ka makatla-namane. O tlhalositse fa se e le maiteko a go fitlhelela se ba se ikaeletseng sa go nna le letsatsi lele atlegileng. O tsweletse a tlhalosa gore mmatoropo, molaodi le mokwaledi wa khansele ba tla latela bagodi ba ba palelwang mo malwapeng go ba itsese ka moletlo. A re mo ditirong tsa go tsibosa ka moletlo mogolo o, go tla etelwa mafelo a ditso tse di tlhalosang tlholego ya toropo ya Lobatse. Mme Sejakgomo o gwetlhile botlhe ba ba eletsang go tsaya karolo mo dipaakanyong tse go ikgolaganya le komiti ee rulaganyetsang letsatsi leo. Toropo yone ya Lobatse e nnile teng gotsweng ka dingwaga tsa bo 1897 e le makgatlhanna thapong a bagwebi go tsweng Aferika Borwa le Rhodesia o nako eno a bitswanag Zimbabwe. BOKHUTLO politics 7 Bodiragatsi bo ka tshidisa Modulasitilo wa khansele-potlana ya Mogoditshane/Thamaga, Rre Ramasiagopana o kgothaditse banana ba motse wa Thamaga go dirisa ditalente tsa bone le go le aramela le sa tlhabile ka go dirisa dikgaisano di tshwana le tsa bodiragatsi tsa dikgaolo. O buile jalo ka mafelo a beke jaaka a ne a amogela badiragatsi mo dikgaisanong tsa bodiragatsi tse di neng di tshwerwe mo Thamaga tsa kgaolo ya botlhophi ya Thamaga/Kumakwane. Rre Ramasiagopana o ne a tlhalosa fa puso e ne ya tla ka lenaneo la go dira mofuta wa dikgaisano o, maikaelelo e le go ribolola talente ya banana e a tlhalositseng fa ba ka itshetsa ka yone. O ne a tswelela a bua fa gape se e le tsela ya go supa fa go na le ditalente mo metseng e e kgakala le ditlamelo. A re dikgaisano tse di ntsha banana mo mekgwatheng e bile di dira gore ba seka ba nna le dikakanyo tsa borukutlhi ga mmogo le gone go aga motho le go kopanya morafe. O ne a kgothatsa badiragatsi go itsaya tsia, a tlhalosa fa ba tshwanetse go itse fa ba lebilwe ke setshaba e bile gape e le bone baemedi ba metse ya bone. O ne a ba kgothatsa go se dirise nnotagi ka jaana e sa tsamaisanye le bodiragatsi mme e bile e ka ba senyetsa bokamoso. E rile a a fa malebo, modulasetilo wa komiti ya bodiragatsi ya kgaolo eo, Rre Thatayaone Motlokwa a tlhalosa fa ba itemogetse fa bodiragatsi bo godile mo kgaolong ya bone mme e bile a rotloetsa badiragatsi go tswelela ba dira ka natla. O ne a gatelela gore badiragtsi ba itseye tsia gape ba dire tiro ya bone ka lorato. O ne a tlhalosa fa matshwenyego fela a ba nang le one ke gore, bontsi jwa ditlhopha tse di diragatsang, ba santse ba tlhaela botsipa jwa boeteledipele mme e bile jaaka ba le komiti, ba tlaa tshwara thuto-seka dipuisano e e tlaa bong e diretswe baeteledipele ba di tlhopha ka go farologana. O ne a tlhalosa fa se se le botlhokwa mo go godiseng bodiragatsi mo lefatsheng leno. Dikgaisano tse, di ne di tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng; kgokgontsho ya borre, bomme le bana mo malwapeng. Maemo a ntlha mo dikatareng a ne a tsewa ke Sibongile Kgaila a salwa morago ke Moagi Metse. Mo go tsa mmino wa Setswana, maemo a ntlha a ne a tsewa ke setlhopha sa Ba ga Mmanaana fa a bobedi a tserwe ke sa Kgobosereto. Mo go tsa poko, maemo a ntlha a ne a tsewa ke Boitshepo Goroma mme a bobedi a tsewa ke Tito Kopanang wa Kumakwane .BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Tlhaelo ya dikoloi e kgoreletsa twantsho borukutlhi Kgosi wa Mapoka, Kgosi Ngocha Habangana, a re o tshwengwa ke borukutlhi mo motseng wa gagwe segolo jang jwa go thujwa ga matlo. Mo potsolotsong ka Mosupologo, Kgosi Habangana, o tlhalositse fa bontsi jwa dikgang tseo di dirwa ke batswakwa. O tsweletse ka gore bontsi jwa bone ba fiwa ditiro mo masimong le mo merakeng ke baagi ba motse oo, le ntswa ba sena diteseletso tsa go bereka mono. Kgosi Habangana a re bontsi jwa matlo a a thujwang ke a a tlogetsweng a sena batlhokomedi, beng ba one ba ikganeletse kwa ditoropong mme ba sa laela ope go sala ba a beile leitlho. A re Batswana ba tshwanetse go ithuta go laela baagisanyi ba bone segolo jang fa ba ya go nna kwa ditoropong lobaka le leleele go thusa gone go lwantsha borukutLhi. O kgotlhaditse botlhe ba ba tlogetseng matlo a bone a sena batlhokomedi go kopa thuso mo baagisanying, mo dikomponeng tse di tlhokomelang dikago kana ba kope dithuso mo dikgosing ka go nale babereki ba ba tlhokang boroko gore segolo ba nne foo go a tlhokomela. O tladitse ka gore letlhoko la dikoloi le ba kgoreletsa go tsibogela dipego di tshwana tsone tsa borukutlhi ka jalo dirukutlhi di felela di sia ka ba goroga thari kwa mafelong a ditiragalo. Kgosi Habangana a re e re ka motse oo o le dikhilomithara fela di le tlhano go tswa mo molelwaneng wa lefatshe la Zimbabwe go motlhofo gore batswakwa ba tlole mme e re ka motse wa gagwe o le gaufi ba thibelele foo mme ba inaakanye le go thukutha ka e le yone fela tsela ya bone ya go itshetsa. A re le ntswa letlhoko la dikoloi le ba beile ka fa mosing o itumelela tiro e ba sepodisi ba e dirang go lwantsha borukutlhi joo ka ba sa ipone tsapa go sireletsa motse wa bone, a re ba ikanya go tsamaya mo motseng ka dinao go thusa gone go sireletsa mo dirukutlhing. Mo go tse dingwe kgosi o supile fa babereki ba tlhaela boroko mme a re seo se kgoreletsa go ntsha maduo mo ditirong. A re mmereki o tshwanetse go nna le bonno jo bo eletsegang gore sengwe le sengwe se tsamae ka thelelo. O tsweletse ka gore o ne a tshwanelwa ke go kopela babereki bangwe ba fa kgotleng boroko mo motseng mme a re seo se ntse se ba baya ka fa mosing ka ba sa kgone go nna le ba malwapa a bone ka boroko jo ba bo boneng e se jwa sepe mme e bile bo sa ba letle go ka nna le bana ba bone. O tladitse ka gore o tshwengwa gape ke leruo le le sasailang mo motseng. A re go le gantsi le senya ditshingwana tsa merogo tse banni ba motse wa gagwe ba thusitsweng ka tsone go nyeletsa lehuma. A re barui ba tshwanetse go tlhokomela leruo la bone ka nako tsotlhe. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Banni ba ipelela thobo E ne ya re bosheng banni ba Tsetsebye ba kokoanela kwa kgotleng ya motse oo go ipelela thobo ya monongwaga. Fa a bua kwa moletlong oo, mogolwane wa ofisi e e itebagantseng le dijalo mo lephateng la temo thuo, Rre Galesite Ramokapane o kopile banni go tlhwaafalela temo gore lefatshe la Botswana le lone e nne lengwe la a a kgonang go itirela dijo. O tsweletse a kgothatsa bagolo go tsibogela temo fa mebele ya bone e santse e ikutlwa, a bo a gakolola banana go tsaya karolo mo temong segolo jang fa ba paletswe ke go tswelela le dithuto. Rre Ramokapane a re ntswa phetogo ya loapi le diji e le dingwe tsa dikgwetlho tse di itsang temo go nonofa mo lefatsheng leno ka kakaretso, balemi ba seka ba ipona tsapa ba tswelele fela ba leme. Rre Ramokapane o tsweletse a re balemi ba tshwanetse go ithuta go batla mmaraka pele fa ba lema go itsa go senyegelwa ke dijo segolo jang fa thobo e le ntsi jaaka ya monongwaga. O kopile banni go tswelela ba rapelela pula gonne thapelo ke yone mokwatla wa ditshidi tsotlhe mo lefatsheng. Fa a latlhela la gagwe, mogolwane wa ofisi ya twantsho diji kwa Serowe, Rre Goemeone Obonye o gakolotse banni go baya thobo ya bone sentle a supa fa e sa tshwanela go bewa fa godimo ga dithaere ka go bo go ka nna motlhofo gore e senyege. Rre Obonye a re balemi ba tshwanetse go simolola go lema le go roba ka nako go itsa gore dijalo tsa bone di babalelwe ke mariga. Fa a tswa la gagwe, kgosi wa Tsetsebye, Rre Ketlhalefile Gabanamotse a re le ntswa thobo e nnile ntsi monongwaga, mathata a ba nang le one ke letlhoko la mmaraka. O kopile ba Botswana Agricultural Marketing Board go tla go reka dijo kwa Tsetsebye ka banni ba bone thobo e ntsi fela thata mme a tlhalosa gore fa go ka seke go rekwe dijo kwa go bone, balemi ba ka senyegelwa fela thata ka matlo a tletse ka mmidi, mabele le dinawa. Kgosi Gabanamotse o kopile maphata a a itebagantseng le go tlhatlhoba dijo go tla go sekaseka boleng jwa kofi e ba e lemang ka o bolela fa morafe wa gagwe o simolotse go lema kofi. Mongwe wa balemi ba popota ba Tsetsebye, Rre Nathaniel Makgotlho o gakolotse batho ba ba batlang go reka didirisiwa tsa temo kwa ntle ga lefatshe leno go tsaya ditsela tse di maleba gammogo le go itebaganya le maphata a a tshwanetseng go itsa go jewa ntsoma. Rre Makgotlho o supile dingwe tsa didirisiwa tse a di rekileng kwa lefatsheng la Pakistan jaaka tshukudu ya temo e e bidiwang Fiat le mogoma o o lemang manoko le ditapole mme a bolela fa go reka didirisiwa tsa temo kwa ntle ga Botswana go mo sologetse molemo fela thata ka a kgonne go di bona ka tlhwatlhwa e e kwa tlase.BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ntshang diruiwa mo masimong Mothusa Kgosi ya motse wa Mogobane, Kgosi Serudi Moilwa a re ke nako ya letsema ka jalo diruiwa di tshwanetse gore di ntshiwe mo masimong. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Ramotswa Rre Samuel Rantuana bosheng, Kgosi Moilwa a re ke nako ya temo mme o na le matshwenyego a leruo le le sa ntseng le tsamaya mo masimong. A re goromente o dirisitse madi a mantsi go thusa Batswana mo temong ka jalo o kopile banni go seke ba itshenyeletsa ka go dira gore goromente a boele morago mo go ba thuseng temo ka go ntsha temo e e senang maduo. Fa a ntsha tekodiso ya motse, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Fanuel Nage a re ba itela ka go tlhoka ditsela mo motseng wa bone. Rre Nage o ikuetse gape ka letlhoko la matlo a boroko a badirelapuso mo motseng wa bone. A re ba sepodisi le ba botsogo ba tsoga kwa Ramotswa le kwa Lobatse mme ba berekela mo Mogobane. O supile matshwenyego ka borukutlhi jo bo yang magoletsa letsatsi le letsatsi mo motseng wa bone. Rre Nage o supile matshwenyego gape ka batho ba ba tswang kwa mafelong a mangwe mme ba tla go ba senyetsa ditsatlholego tse ba nang le tsone mo motseng wa bone di akaretsa letamo la Mogobane, molapo, matlapa le dipoponere. Fa a tswa la gagwe, mopalamente Rre Rantuana o kopile banana ba Mogobane go tlhabolola ditsha tse ba di abetsweng tsa bonno go tla ba di hirisetsa badirelapuso ba ba direlang mo motseng wa bone. Rre Rantuana o kopile bogogi jwa motse wa Mogobane gore ba dire gore batho ba ba tlang go direla moletlo kana go itsaya ditshwantsho di akaretsa tsa motshikhinyego kwa letamong kana kwa dipoponereng tsa Mogobane ba duele. A re se se tlaa thusa go laola seemo sa go leswafatsa mafelo a le go thusa go tlhabolola motse wa Mogobane. Mopalamente o supile matshwenyego ka maduo a a wetseng tlase fela thata a a sa tswang go tswa a mophato wa boraro. Fa a akgela, Mme Johanna Marope yo e leng monni wa Mogobane, o boletse fa batsadi ba sena kgalemo mo baneng, selo se se nang le seabe mo maduong a a kwa tlase a bana. Rre Boyce Mosige ene a re molao wa bogologolo wa gore bana ba boelele lekwalo le le ba paletseng o tshwanetse wa busediwa e le tsela nngwe ya go leka go lwantsha maduo a bana a a welang kwa tlase ngwaga le ngwaga. Mopalamente o ne a biditse phuthego e go tla go tsaya matshwenyego le dingongorego tsa banni ba Mogobane gore a tle a bue ka tsone kwa palamenteng. BOPA society 9 Kgosi o kopa banni go tsibogela mananeo Kgosi Makgabana Tsiane wa Takatokwane kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng a re ga a itumedisiwe ke banni bangwe ba a tlhalosang fa ba sa kgatlhegele mananeo a puso a a tlhametsweng go ba inola mo lehumeng. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa modulasetilo wa khansele ya Kweneng bosheng, kgosi a re bangwe ga ba supe kgatlhego ya go ikwadisetsa mananeo le gone go tsena diphuthego tsa kgotla go itse ka mananeo ao. Kgosi Tsiane a re bontsi jwa banni ba santse ba amilwe thata ke lehuma, mme a re o swabisiwa ke go bona ba iketlile ba sa tsibogele go dirisa mananeo a ba a fiwang mahala go intsha mo lehumeng. Le fa go ntse jalo, banni bangwe ba ne ba bolela fa ba dira maiteko a go ikopela mananeo a puso mme ba re go tsaya lebaka gore ba thusiwe. Ba re ba sale ba ikwadiseditse lenaneo la nyeletso lehuma mme ga go nko e tswang lemina. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Annah Diatla o ne a bolela fa kgang ya tlhaelo ya metsi e tshwenya thata kwa motseng oo, selo se a supang se kgoreletsa lenaneo la masingwana a merogo go dira sentle. Mme Diatla o ne gape a supa gore banni bangwe kwa motseng oo ga ba akole mananeo ka ntlha ya go tlhoka dikarata tsa Omang. A re letlhoko la madi le paledisa banni bao go ya go dira dikarata tsa Omang kwa diofising tsa Letlhakeng, tse di leng kgakala le motse wa bone. O ne kopa ba ofisi ya Omang go tsaya dikgato tebang le kgang e, ka go ba atumeletsa ditlamelo, ka a re go tlhoka go dira jalo go folodisa maiteko a puso a go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo mo Batswaneng ba ba leng kgakala le ditlamelo. Erile a akgela, mothusa modulasetilo kwa khansele ya Kweneng, Mme Tshepo Wareus a re go ngomola pelo go bona Batswana ba ba santseng ba amilwe ke lehuma, ba sa kgone go ithusa ka mananeo a a ka ba thusang go itlhamela mebereko le dikgwebo. A re mananeo a nyeletso lehuma ke a mongwe le mongwe e bile ga a kgetholole ka jalo Batswana ga ba a tshwanela go nna fela ba sa ye go ikutlwela gore ba ka ikopela afe kwa badireding ba ba lebaneng. Fa a itebaganya le kgang ya go tlhoka dikarata tsa Omang, a re ka jaana go sale go butswe diofisi tsa ditirelo mo Takatokwane, maikaelelo a bone ke gore ba tsise bodiredi jwa maphata a a farologaneng go akarediwa le ba ofisi ya Omang gore banni ba motse oo le e e mabapi ba tseye ditirelo gaufi. society 9 Lefatshe la temo le a tlhaela Banni ba motse wa Mokgomane ba kopilwe go busetsa lefatshe la masimo le ba sa le diriseng kwa lephateng la kabo ditsha kgotsa go le adima ba ba nang le kgatlhego ya go le dirisa. E rile a buisa phuthego ya kgotla bosheng,mogolwane wa lephata la temo-thuo Mme Ikgopoleng Thamae a re, puso e lemogile fa go na le lefatshe le lentsi la masimo le le abetsweng Batswana mme ba sa le dirise, ntswa lefatshe le tlhaela temo e bile le sa lekana go jesa Batswana. Mme Thamae a re puso e kopa Batswana gore fa ba sa kgone go dirisa lefatshe , e katswa e le ka ntlha ya bogodi kana mabaka a fe fela, ba le busetse kwa go ba kabo ditsha gore le abelwe ba ba bangwe. A re ba itse balemi bangwe ba ba batlang lefatshe le ba ka lemelang kgwebo mo go lone mme ba ka ba kopanya l ebeng ba lefatshe gore ba le ba adime mme mong wa lefatshe a solegelwe molemo ka dikatso. A re puso ga e beele beng ba masimo ditlhwatlhwa, a re bobedi joo ke jone bo dumalanang gore bo ka thusana jang. Le fa go ntse jalo, a re bone ba ka tla ka dikgakololo go tila tlhoka kutlwisisano. Mme Thamae a re fa o busetsa lefatshe ko lephateng la kabo ditsha ga o duelwe sepe,a re ke tshupo ya gore ga o sa tlhole o kgona go dirisa lefatshe leo, mme fela jaaka o le filwe o sa duele sepe le lone o le busa fela o sa atswiwe. O ne a araba potso e neng e boditswe ke mongwe wa banni Rre Molosi Tlhomelang a ne a batlile go itse gore fa o busa lefatshe o atswiwa ka eng . Rre Kabelo Ramathudi, le ene a le wa lephata la temo thuo a re lenaneo la ISPAAD,le ntshitswe ke puso go ba thusa go tsweledisa temo, ka puso e lemogile fa temo e na le dikgwetlho tse dintsi a re mme mathata a ba kopanang le one ke gore bangwe ga ba a tsenela mo temong go lema mme ba tsenetse bonokwane. A re batho ba go nna jalo ba rekisa menontshane le dichefi tse ba di phakang selo se a reng ke molato,a re fa ba ka tshwara ope fela a dira jalo o ya go nna sekai mo go ba le bantsi. A re morago ga letsema lengwe le lengwe ba kopa balemi go bega menontshane, dipeo le dichefi tse id setseng kwa go bone, mme ga ba dire jalo. O ba kopile gore ba nne le boammaaruri mme ba begele balemisi tseo. A re puso e dirisa madi a mantsi thata mo menontshaneng e mme Batswana bone ba e tsaa motlhofo ka a re ba e baya mo puleng. Rre Ramathudi o ne a gakolola banni go baya dichefi tse di setseng fa go babalesegileng kgotsa go di busetsa kwa go bone fa di setse kgotsa di sa dirisiwa. A re mo letsemeng la monongwaga ga gona ope o o yang go neelwa chefi gore a e dirise a sa rutelwa go e dirisa. A re chefi e ka tswa e sa gobatse gone foo, mme e ka re mo tsamaong ya botshelo ditlamorago tsa yone di itshupe mme a re maikaelelo a puso ke go thusa le go godisa balemi e seng goba gobatsa. Banni ba kopilwe gape go tlhatlhoba mmu wa bone kwa masimo.A re go kgonagala gore molemi a tshele menontshane ngwaga le ngwaga mme dijalo tsa gagwe di sa tokafale, ka jalo, go thathoba mmu go ka thusa go bona gore matsapa di a tsaya kae. Rre Ramathudi a re puso e tshwenyegile thata ka ditema tse di dikileng di lemilwe di sa jalwa,mme a kopa bo rra diterekere go ikwadisa le go supa le gore ba lemela batho ba le kae. A re se se tlamile puso go tsenya letsogo go tlisa bo raditerekere mo kgaolong tse di tlhaelelwang ke diterekere,ka ko mafelong a mangwe diterekere di dintsi, gore ba kgone go lema b abo ka jwala. Rre Ramathudi o kopile banni go nna teng ka nako tsotlhe fa ba lemelwa go fitlhela go wediwa,a re menontshane e bokete e imela bo raditererkere ka jalo fa o seo ba a e tlogela. A re ba bangwe ba itseela menontshane bas a e dirise mo tshimong ka go lemoga fa mong wa tshimo a san ne teng. O ba kopile gore ba akole mananeo a puso a santse a le teng a re gore e re a fela ba bo ba ba fetogile e bile ba nonofile mo temo thuong. economy_business_and_finance 3 Go godisetsa ngwana mo nyalong go botlhokwa Kgosi Othusitse Sengawane wa Tshwaane o tlhalositse fa go godisetsa ngwana mo lenyalong go le botlhokwa ka jaana ngwana wa go nna jalo a nna motlhofo go laolesega ka a bontshiwa tsela ke botsadi boo babedi. Mo potsolosong le BOPA, Kgosi Sengawane o tlhalositse fa a na le lesokolela ka bakapelo ba ba nnang mmogo ba sa nyalana, a re mokgwa o o tumile thata mo motseng wa gagwe. A re se gantsi se tsala kgokgontsho le dipolaano ka jaana fa ba nna le mathata go nna thata go ba letlanya semmuso kgotsa go letlanngwa ke batsadi. Kgosi a re se se swabisang le go feta ke gore go na le batsadi ba ba rotloetsang go nna mmogo moo ka ba a bo ba gabile go ja. O tlhalositse fa banyalani ba gompieno ba tshabelelwa ke go kgaogana mme a kopa gore fa ba kopana le dikgwetlho ba ikopanye le batsadi kana bagakolodi go ba thusa. Kgosana Rre Motaung Modise ene o ne a supa fa a tshwentswe ke dipalo tse di golelang pele tsa banyalani ba ba kgaoganang mme a gakolola gore fa ba nna le mathata, ba a buele mo tlung gore a seka a gasagasama le motse. A re fa banyalani ba ka dira se, dikgang tsa tlhalo di ka fokotsega mme go nne le malwapa a motia jaaka bogologolo. BOKHUTLO society 9 Batho ba le bane ba tlhokafetse mo kotsing ya koloi Batho ba le bane mo go bone go le banna ba le bararo le mosadi ba tlhokafetse bosheng fa koloi e ba neng ba tsamaya ka yone e thulana le bese e e neng e tswa bokone e ya borwa jwa lefatshe leno. Mogolwane wa mapodisi a pharakano, Superintendent Kgosienalerona Sechoni a re kotsi eo, e diragetse mo tseleng ya A1 gaufi le Capricon ka nako ya bone mo mosong. Rre Sechoni o boletse mo potsolotsong le BOPA gore le fa go sena ope yo o tlhokafetseng mo besing eo, go ne go na le batho ba ba boneng dikgobalo tse di masisi fa ba bangwe ba robegile maoto. A re batho ba le barataro ba robaditswe mo kokelong ya Mahalapye fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse ditsweletse go bona se se ka tswang se bakile kotsi eo. Direpa tsa batho bao di beilwe mo setsidifatsing sa kokelo ya Mahalapye go tlhatlhojwa ke dingaka, fa maina a bone a santse a lobilwe go fitlhelela ba masika ba itsesiwe. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Shegotja molelo se gorogile kwa Mabutsane Motsamaisa dipuisanyo tsa Palamente, Mme Gladys Kokorwe o kgothaditse maloko a mokgatlho wa Shegotja Molelo go tswelela ba dira ka natla go tlhabolola matshelo a bone le a Batswana ba bangwe. O buile jalo jaaka a ne a simolodisa semmuso lekalana la mokgatlho oo kwa Mabutsane ka Matlhatso. Mokgatlho wa Shegotja Molelo o simologile ka ngwaga wa 2007, ka maikaelelo a go tsosolosa seriti sa bomme gore ba kgone go ikemela ka dinao go lwantsha lehuma. O supile kgolo mo dingwageng jaaka o ne wa simolola go akaretsa le borre, gammogo le go atolosa maikaelelo gore o kgone go thusa le ba ba dikobo dikhutshwane mme e se maloko a mokgatlho. Mme Kokorwe a re o ba akgolela go bo e rile mo tsamaong ya nako, ba akaretsa borre ka jaana le bone ba na le dikgwetlho tsa lehuma. “Ke lebogetse thata gore le mororo le simolotse le le bomme fela, le feletse le akaretsa borre ka jaana tota lehuma ga le na bong, tlala ga e na bong, ka jalo rotlhe re tshwanetse ra tshwaragana go tokafatsa itsholelo ya rona.” O ba rotloeditse go tswelela ba tswa ka megopolo e e ka godisang setshaba gore kgabagare matshelo a batho a tokafale. A re ba dirise megopolo eo go direla mokgatlho madi gore kwa pheletsong ba nne bagwebi ba ba nang le bokgoni jwa go beeletsa mo dikgwebong tse ditona tse di ka ba godisang go ya pele. Mme Kokorwe o boile a kgothatsa maloko a mokgatlho oo gore ba inaakanye le maranyane a sesha jaaka mokgatlho wa bone o tsweletse ka go gola. A re ba itlhatlhelele ka dikitso tse di rileng tse di ka thusang go tsamaisa mokgatlho le go o godisa. Moeteledipele wa mokgatlho oo, Mme Goleba Mokwena a re ba gwetlhilwe ke go bona letlhoko la bomme, ka jalo ba tswa ka mogopolo wa gore bomme ba itsose. A re maikaelelo a bone ke go thusa puso go lwantsha lehuma le go tokafatsa matshelo a Batswana. Mme Mokwena a re e re ntswa bomme ba na le bokgoni, ba ne ba itemogela fa ba santse ba na le dikgwetlho tsa go ipelaela, go inyatsa le gone go tlhoka go itshepha. A re ka jalo ba ikaelela go busetsa seriti sa bomme gore ba nonofele go itirela. O tlhalositse fa gape ba tsweletse ka go thusa ba ba dikobo dikhutshwane ka dikgwebo di tshwana le dimausu, dijo, diaparo gammogo le go abela bana paka ya sekole. A re e rile mokgatlho o tsweletse o gola, ba bona go le botlhokwa gore ba tsene mo botsalanong le banka ya BBS le First Sun Insurance go tokafatsa ka fa ba bolokang madi ka teng. A re ba setse ba kgonne go bewa setsha sa ofisi kwa Letlhakeng ka jalo ba kopa thotloetso mo setshabeng gore ba kgone go aga ofisi eo. E ntse e le kwa tshimolodisong semmuso ya lekalana la Mabutsane, mokgatlho wa Shegotja Molelo o ne wa abela batho ba kgaolo eo ba le bararo dihutshane di le masome mararo tse di lopileng P33 000.BOKHUTLO society 9 Bagwebi ba a ikwadisa Lephata la Papadi le Madirelo le laletsa bagwebi botlhe ba madirelo a a dirang dithoto kana di dirisiwa tsa kago le ditsela go ikwadisa mo bukaneng ya Building and Construction Manufacturers ee tla bong e thusa mo lenaneong la go rudisa itsholelo la ESP. Kitsiso e tswang kwa lephateng leo, e tlhalosa fa go kopiwa bagwebi botlhe go tsenya dipampiri tse di tlhalosang ka boleng jwa didirwa kana dithoto (product technical data sheets). Kitsiso e tlhalosa fa dipampiri tsa ikwadiso di ka tsewa, tsa tladiwa mme tsa busediwa kwa diofising tse di akaresang tse; Lephata la papadi le madirelo mo Gaborone, lephata la dikoporase mo dikgaolong tsotlhe ga mmogo le diofisi tsa CEDA mo dikgaolong tsotlhe. Kitsiso e tswelela e tlhalosa fago kopa tlhaloso ka botlalo, bagwebi b aka ikgolaganya le b aba latelang: Mme Keitumetse Ketshotseng, Mme Olorato Seleka, Mme Oaiste Modiakgotla le Mme Chendzimu Mbereki. economy_business_and_finance 3 Ditlhare di ka nyeletsa lehuma Banni ba Changate mo kgaolong potlana ya Tutume ba ne ba tsene moletlo wa temo ya ditlhare, e e leng bontlha bongwe jwa go isa ditlamelo kwa bathong. Moletlo o, o ne o rulagantswe ke lephata la tshomarelo ditsa tlholego, go ruta batho ka bomosola jwa go lema ditlhare go tokafatsa matshelo a bone. E rile a bua kwa moletlong oo, modulasetilo wa tshomarelo matlotlo a tlholego le dibapalwa nageng, wa kgaolo ya Legare, Rre Alec Utwang, a bolelela banni ba Changate fa ditlhare di ka nyeletsa lehuma mo matshelong a bone. O kgothaditse banni gore ditlhare di tshwana le motlopi di tlhokomelwe ka di na le mosola o montsi mo botshelong jwa motho. Setlhare se sa motlopi, se se neng sa lengwa mo kgotleng ya Changate ka lone letsatsi leo, se ne sa tlhophiwa go nna setlhare sa ngwaga. Rre Utwang a re setlhare ke setshidi se se tshelang jaaka motho, a tlatsa ka gore se amogana phefo le motho ka nako tsotlhe. O tlhalositse fa dithotse tsa sone di dira kofi, fa modi wa sone o dirisiwa go tlhotlha madila go a fa lenkgo le le monate. A re ditlhare di ka thusa mo go nyeletseng lehuma fa batho ba ka di lema ka bontsi; ba di rekise go bona dipoelo, mme le bone ba kgone go itshetsa. Rre Utwang a re motse wa Changate o segofaditswe thata ka o sa ntse o na le sekgwa se se kitlaneng, e bile o humile ditlhare tsa maungo. O kopile banni ba Changate go somarela tikologo, a supa fa melelo ya naga e ile magoletsa ngwaga ono, mme a rotloetsa banni go dirisa molelo ka kelotlhoko le go dirisana sentle le merafe e mengwe, a gatelela gore ba ba kopang go bapala phane mo kgaolong ba tsene ka bogosi go fiwa tetla. “Re Batswana rotlhe, jaanong a re se ka ra koba ba bangwe fa ba tsile papading ka gore nako dingwe le rona re tla a bo re ile go kopa kwa go bone,”go bua jalo Rre Utwang. O ne a feleletsa ka go kopa banni go somarela ditlhare tse di mo motseng wa bone gore bana ba bone ba tle ba nne le monyetla wa go di dirisa le bone. BOKHUTLO society 9 Ba lebogelwa go ikemela ka dinao Mopalamente wa Ngwaketse borwa, Rre Peter Siele, o lebogetse banni ba Gathwane go bo ba gatetse pele mo go tlhaboleleng motse wa bone le go inaakanya le mananeo a puso a a itebagantseng le go tokafatsa matshelo a Batswana. Rre Siele, yo gape e leng tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, o lebogile jalo banni mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo. E ne e rile go le pele, a begelwa ka ditlhabololo tsa motse oo, di akaretsa kago ya leobo la kgotla le le agilweng ka lenaneo la Ipelegeng. O ne a lekodisiwa gape fa batlhoki ba le lesome ba inaakantse le go lema merogo mo segotlong ka lenaneo la nyeletso lehuma. Rre Siele o ne a galaletsa banni a re go a itumedisa fa ba lemoga botlhokwa jwa go lema merogo mo segotlong e bile ba tshwere tiro eo ka diatla tsoopedi. O ba kgothaditse go inaakanya le mananeo a mangwe a puso, a tshwana le a ISPAAD, LIMID, thuo ya dinotshe le a mangwe a a reng a ka ba ntsha mo lehumeng. O boletse fa puso e leka bojotlhe go nyeletsa lehuma ka mananeo a a leng teng mme go le mo maruding a Batswana go bona gore mananeo ao a tswa tema mo go tokafatseng matshelo a bone. Rre Siele o boleletse banni bao fa gape ba ka inaakanya le ditiro tse dingwe jaaka kapei ya borotho, go tlhatswa diaparo motho a duelwa mme ba kgone go itshetsa. Mopalamente o boleletswe fa sekole se sebotlana sa motse oo se ntshitse maduo a a itumedisang a lokwalo lwa bosupa ka se ikgapetse matshwao a 96 per cent. Mothusa mogokgo wa sekole seo, Mme Josephine Letshwiti, o tlhalositse fa sekole seo se dirile sentlw dingwaga tse pedi ka go latelana. Mme Letshwiti a re sekole seo se ikgapetse sejana se se amoganwang, se tswa mo go mopalamente wa kgaolo, e le seabe sa gagwe mo go rotloetseng thuto mo kgaolong ya gagwe. A re sekole se dira bontle ka ntlha ya tirisano fa gare ga batsadi le barutabana. Rre Siele o lekodisitse ka lengwe lenaneo la lephata la thuto le le rotloetsang bana ba ba neng ba sa fetsa sekole go tsweledisa dithuto tsa bone. A re lenaneo leo le akaretsa bana ba ba neng ba tlogela sekole ba sa fetsa dithuto tsa bone ka mabaka a a farologaneng, fa ba bangwe ba ne ba sa dira sentle mo maduong a bone. O lekodisitse banni le ka thulaganyo ya letshwao la go rwesa dikgomo malengana mo ditsebeng, a tlhalosa fa malengana ao a tlaa bo a rekwa ke morua kgomo mme a tlaa bo a rekisiwa mo marekisetsong a melemo ya leruo. A re manyena ao a tlaabo e tsentswe boranyane jo bo kwa godimo. O tlhalositse fa bakenti ba tlaa dira thulaganyo le barui go ba ruta ka thulaganyo eo. Banni ba supile matshwenyego ka dituelo tsa go gokela motlakase mo malwapeng a bone ba re di kwa godimo thata. Bangwe ba re dituelo tseo di ba paledisa go ikgokelela motlakase. ENDS politics 7 Roma e rotloetsa ngwao Bishop Valentine Seane wa kereke ya Roma o boletse fa kereke eo e tlotla setso. O bua jalo ka jaana go na le dilo dingwe tsa ngwao tse di siameng jaaka go rupa gonne go ruta banna le basadi ka go tlhokomela le go aga metse ya bone, ka jalo a re bone e le kereke ga ba ise ba bone sepe se se bosula se se dirwang koo. Kereke ya St Conrads kwa Ramotswa e ne e ipelela dingwaga tse tlhano moruti yoo a ntse a eteletse pele kereke ya Roma mono Botswana. Bishop Seane o rotloeditse botlhe ba ba batlang go rupa go dira jalo, fela fa ba dumalane le ba malwapa a bone. O boletse fa tiro ya gagwe e le go ruta, go busa le gone go itshepisa, mme segolo bogolo go golaganya kereke ya Botswana le e tona ya Vetican Universal Catholic Church. Le fa gontse jalo, o tlhalositse fa go ne go se motlhofo go amogela maemo ao, jalo a kopile botlhale jwa nnete kwa Modimong fela jaaka kgosi Solomone a ne a dira, mme ka thato ya one o sa ntse a a tshegeditse ka botswerere. Bishop Seane o kopile baeteledipele go kopa botlhale jo ka jaana e le jone fela bo ka ba kgontshang go dira tiro ya bone ka boammaaruri. O boletse fa molao wa Modimo o le popota, mme a tlhalosa fa mongwe wa molao o, o laela batho go rata baba ba bone, selo se a bolelang se palela Bakeresete ba le bantsi. O boletse fa Modimo o le mautlwelo botlhoko, gape a sa felele batho pelo, jalo a kopa botlhe ba ba mo lefifing go ikotlhaya, ka jaana fa ba ka swa ba ise ba dire jalo, ba sena go bona nako ya go tlhola ba dira seo fa e se go emela katlholo fela. Bokhutlo religion_and_belief 8 Lontone e ipelela thobo Baphuthegi ba kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) e e itsegeng ka leina la Lontone go tswa ntlheng tsotlhe tsa lefatshe ba ne ba tshologetse kwa Kang ka letsatsi la Matlhatso go tla go ipelela letsatsi la thobo le go abelana. Molalediwa wa tlotla wa kereke ya Lutheran Church ko Lokgwabe e e itsegeng ka Lutere, Rre Paul Cooper fa ema kokoano ka lefoko o ne a re ga ba tshwanela go ntsha dikabelo ka mokgwa wa go gaisa mongwe kana go galelediwa. O ne a ba gakolola gore ba ntshe ka lerato le boteng jwa pelo ya bone yotlhe. Fa a tswelela a ba ema ka lefoko, a re fa ba ntsha ba seka ba kgatlha motho mme ba kgatlhe Modimo. Fa a ntsha la gagwe moreri wa letsatsi, Rev. Gabriel Tsuaneng wa phuthego ya Lontone ko Ramotswa a re thobo e tshwana le pepetletso e na le tsamaiso. A re fa motho a tla thobong o tshwanetse a baakanyetsa motlha wa go jwala, ka jalo o tshwanetse a bo a na le boikarabelo le tumelo ya gore letsatsi lengwe go tlaa tlhoga. Moruti Tsuaneng a re fa o jwala lerato o bo o na le tumelo ya gore letsatsi lengwe lerato leo le tlaa ntsha maduo a a molemo. Ka jalo a re peo e e tlaa tswang mo pelong e tlaa tlhoga masego, kutlwelobotlhoko, bolemo le tsotlhe tse batho ba ka di eletsang. religion_and_belief 8 Kwadisang matsalo le dintsho Banni ba Okavango ba rotloeditswe go kwadisa matsalo, omang le dintsho. Se se builwe ke tona ya lephata la tsa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu fa a ne a simolodisa letsholo la go tsisa kwa bathong ditlamelo tsa ikwadiso mo kgaolong ya Okavango. Tona o tlhalositse fa ba lemogile botlhokwa jwa go nna ba etela dikgaolo. Tona Batshu o tlhalositse gore lekgotla la ditshaba la UNICEF le ba eme nokeng mo letsholong le, mme la ntsha madi a a kana ka dikete tsa dipula le dikhomputara di le thataro go thusa jaaka badiredi le makgotla a a ikemetseng ka nosi mo kgaolong ba tla bo ba tsena ntlo le ntlwana mo metseng e le masome a mabedi le bobedi mo kgaolong ya Okavango. l “Ke lemoga thata seabe le go dira mmogo ga UNICEF Botswana jaaka ba sa le ba re eme nokeng go tswa ka 2011 mo tirong e e masisi e,mme le jaana ba ntse ba tshwere ka mokgwa o mongwefela.” Tona o tlhalositse fa go tlamega mo molaong wa Botswana go dira ikwadiso ya omang, matsalo le dintsho mo malatsing a a beilweng. O tlhalositse fa ikwadiso e e le botlhokwa thata ka di supa fa motho e le Motswana ka boammaaruri. O tlhalositse gape gore di thusa go akola meamuso le ditlamelo tsa puso. Mongwe wa ba ba neng ba sena omang Rre Karuru Divavo o tlhalositse gore o itumetse fela thata ka ba tliseditswe ditlamelo. O buile gore go ntse go le dingalo go bereka mo ipelegeng ka a sena Omang. O tlhalositse gore mabaka a go tlhoka madi ke gone go mo diileng go dira Omang. Kgosi Bonang Karundu wa Beetsha, o tlhalositse gore puso e dirile maiteko a magolo go etela metse bogolo jang thata e e kgakala le ditlamelo,jaaka Gudigwa e le go di ba atumetsa. O gakolotse banni ba Okavango go dirisanya le bodiredi sentle ebile a dumela fa batho ba le bantsi ba tlaa thusiwa. politics 7 Tlotlang kgotla - Ngaka Kgotla ke lefelo le le masisi le le tshwanetseng go tlotlwa ke setshaba ka jalo le dipitso tsotlhe tse di tshwarelwang mo go yone di tshwanetse tsa fiwa tlotlo e e kwa godimo. Mafoko a, a boletswe ke mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng Bophirima ,Rre Ngaka Ngaka kwa Maboane jaaka a tsweletse ka go buisa metseletsele ya diphuthego kwa kgaolong ya gagwe ya botlhophi. A re mo setswaneng, kgotla ke lefelo le le faphegileng le go buelwang merero yotlhe ya botlhokwa teng, kwa kgosi le morafe ba itekodisanyang teng gammogo le go ithutela molao le tsa ngwao teng, ka jalo go botlhokwa gore ope yo o fetang fa go yone a supe tlotlo, se e le go tlotlomatsa boleng jwa yone. Rre Ngaka o tsweletse a bolela fa ka tshwanelo setshaba se iketleeletsa kwa kgotleng nako e sale teng mme mongwe le mongwe a tseye manno a gagwe pele ga dibui di goroga. O kgadile a menne phatla go thulathulana mo go atleng go itshupe ka dinako tsa diphuthego, a bolela fa seo e se go tlotla kgotla. A re ga se setho gore beng gae ba tle go lwela manno le baeng kwa kgotleng , ka jalo o kopile gore seo se emisiwe ka ponyo ya leitlho ka jaana se ka isa seriti le boleng jwa beng gae kwa tlase. Mopalamente o buile se morago ga gore e re a tsena kwa kgotleng ya motse wa Maboane, morafe o simolole go thulathulana go ipatlela manno mme seo sa dia tshimologo ya phuthego. E ntse e le kwa phuthegong eo, modulasetilo wa komiti ya banana kwa motseng oo, Rre Boipelo Molatlhiwa o lekodisitse mopalamente le batsena phuthego eo fa bangwe banana ba ba mo lenaneong la tirelo setshaba ba sa itumedisiwe ke go latela madi a bone a dituelo kwa Molepolole ka ba kaya go le kgakala mme e bile le one madi ao a le mannye fela thata, ka jalo a felela fela mo go dueleng dipalamo. O tsweletse a tlhalosa fa banana ba bolela fa ba rometswe kwa maphateng go direla teng ntle le go ya go rolwa, ka jalo seo se ba berekisa bokete ka ba felela ba sa itse se se solofetsweng mo go bone. A re banana ba ngongoregile gape gore ba bo ba sa letlelelwe go ka ikopela dithuso mo lenaneong la banana la Youth Development Fund le mororo ba sa berekele madi ape a a kalo. Ba supile fa seo se ba tshwenya fela thata mme e bile ba kopa mopalamente wa bone go ya go kopa kwa go ba ba lebaneng gore melao mengwe ya lenaneo e baakanngwe ka e ba beile ka fa mosing. E ne ya re a akgela, Rre Ngaka a bolela fa puso e ne e leka go thusa banana ba ba sa direng gope go itshwarela ka diatla mme ka bonnye jo ba bo neelwang ba tle ba kgone go ithekela melora, a bolela fa legale a tlaa isa dilelo tsa bone kwa go ba ba maleba. Mopalamente Ngaka o lekodisitse banni ka molao o o sa tswang go fetisiwa ke palamente wa tiriso ya bosupi jo bo tswang mo didirisiweng tsa maranyane kwa makgotla tshekelo le molao o o teng o mosha wa tlhakanelo dithoto mo lenyalong. BOKHUTLO politics 7 Tshomarelo lefatshe kgetsi ya tsie Ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go somarela lefatshe. Go buile jalo molaodi wa borwa botlhaba, Rre Ian Tema kwa moletlong wa letsatsi la botsogo wa lekgotla la kabo ditsha la Malete kwa Ramotswa. A re tshomarelo ya lefatshe ga e ame maloko a kabo ditsha fela, ka jalo Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le seabe mo tshomarelong ya lefatshe ka jaana e le maikarabelo a setshaba. A re o buisiwa se ke go bo dipalo tsa batho ba ba rekisang ditsha di le kwa godimo go phala palo ya ditsha tse di ajwang. O kaile fa Batswana ba le lesego ka jaana ditsha di sa ntse di ajwa mahala, ka jalo ga ba a tshwanela go ikamoga tshwanelo ya go nna le ditsha. Rre Tema o tladitse ka go re le yone pina ya setshaba e bua go re lefatshe leno la rona ke mpho ya Modimo, ka jalo mpho e ga e a tshwanelwa go ajwa. O kopile batsadi gore ba rute bana ka bomosola jwa go nna le ditsha le ditlamorago tsa go di rekisa. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa lephata la kabo ditsha la Malete, Mme Lesego Oteng, a re malatsi a go tshwana le a, ke a go leka go itshwaraganya le setshaba go nna seopo sengwe. A re moono wa letsatsi le, ke Go Itsetsepela mo Tlhokomelong ya Lefatshe ka Bodiredi jo bo Itekanetseng. Mme Oteng a re moono o o ama babereki botlhe gore ba ntshe ga tshwene mo tirong. O kopile setshaba gore fa e le gore go na le sengwe se se sa ba itumediseng ka bodiredi jwa ofisi ya bone ba tlalee kwa bagolwaneng ka go dira jalo go ka ba thusa gore ba itshekatsheke ba tle ba boele mo tseleng. A re go gotlhagotlhana ga bone le badiri ga go a tshwanela go dira gore setshaba se goge dinao mo go tse di amang lekgotla la kabo ditsha.Bokhutlo society 9 Batawana ba tlhoma mothusa kgosi kgolo Motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Kealetile Moremi o tlhaloseditse morafe wa Maun fa kopo ya bone ya go ka tlhoma Rre Bringle Dithapo go nna mothusa kgosi kgolo e atlegile. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kgolo kwa Maun bosheng, Kgosi Kealetile a tlhalosa fa a amogela Rre Dithapo ka tsoo pedi mo boemong jwa kgosi kgolo le morafe. O tlhalositse fa Rre Dithapo a diretse puso ya Botswana ka lebaka, ka jalo ba sena pelaelo epe go mo fa thomo eo. Le fa go ntse jalo, Kgosi Kealetile o kopile Rre Dithapo go direla morafe wa Goo Tawana ka bonatla, mme e bile a supa fa bogosi e le tiro e e bokete. A re mo Goo Tawana go na le merafe e e farologaneng e e tshwanetseng go tsewa ka tekatekano gore go seka ga nna le semorafe. Kgosi Charles Letsholathebe o boletse fa Rre Dithapo a ka se kgone a le esi jalo a tlhokana le kemo nokeng ya morafe. Fa a ntsha la gagwe, Rre Dithapo o kopile thotloetso mo morafeng le dikgosi tsa motse oo gore a kgone go ba direla ka botswa pelo. Rre Dithapo o tlhomiwa jaana morago ga loso la mothusa kgosi kgolo, Kgosi Pitsoyabosigo Moremi. BOPA politics 7 Mpetsane o lebogela tirisano mmogo ya bodiredi Modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, Mme Florah Mpetsane, a re o itumeletse gore makhanselara a ntse a bereka e le setlhopha go tlhabolola kgaolo. Fa a bua mo phuthegong ya bofelo ya khansele eo bosheng, Mme Mpetsane o ne a lebogela makhanselara le bodiredi go dira tiro ya bone ka tshwaragano le boineelo. Mme Mpetsane a re mo pakeng ya gagwe e le modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, o ne a ipha nako go dikologa le metse yotlhe ya kgaolo eo, a buisa diphuthego tsa kgotla go utlwa matshwenyego a banni. A re banni ba ne ba supa fa go na le dingwe tse ba sa di itumeleleng, mme maphata a a maleba a ne a tsiboga fa go kgonegang teng. Modulasetilo a re le ntswa go santse go na le letlhoko la ditlhabololo le ditlamelo dingwe fale le fale, o itumedisiwa ke gore ditiro ka bontsi di diragaditswe, a bolela fa dingwe tse di tshwanang le tlhaelo ya metsi, e le tse go tlaa itebagangwang le tsone go leka go tokafatsa seemo. Mokhanselara Mpetsane o tsweletse a supa fa go le botlhokwa gore maphata a a lebaneng a itebaganye le seemo sa ditsela dingwe tsa kgaolo, tse a boletseng di le mo seemong se se sa itumediseng. A re le fa go ntse jalo, o lebogela go bo go remilwe ditlhare tse di neng di dikaganyeditse bontsi jwa ditsela tse di lomaganyang metse ya kgaolo, a bolela fa seo e le maiteko a a tshwanelwang ke go lebogwa. Gontse go le foo, Mme Mpetsane o ne a kopa makhanselara go ipelela meletlo ya boipuso ka kagiso le boitumelo, le go ipaakanyetsa ditlhopho tsa setshaba, tse di tla tshwarwang kgwedi ya Phalane e le masome a mabedi le boraro. O ne a bo a gakolola bakaulengwe ba gagwe, bogolo jang ba ba tlaabong ba emetse ditlhopho, go seke ba itebaganya le ditlhopho fela ba ikgatholosa botsogo jwa bone. politics 7 Go bala le go kwala go botlhokwa Go itse go bala le go kwala ka jaana motho a kgona go somarela sephiri sa ntlo ya gagwe. Mafoko a, a boletswe ke Kgosi Makgabana Tsiane wa Takatokwane, fa a amogela baithuti ba Thuto ga e golelwe bosheng. Kgosi Tsiane o tlhalositse gore fa motho a sa itse go bala le go kwala ga a kgone go babalela sephiri sa gagwe, ka jaana a patelesega go kopa mongwe gore a mmalele melaetsa, mme kwa bofelong dilo tsa gagwe di gasame le motse otlhe. Kgosi o lebogetse ba lephata la OSET go ba tsisetsa lesedi mo motseng wa bone, a bo a kopa botlhe ba ba sa itseng go bala le go kwala go le dirisa go tokafatsa matshelo a bone. O kopile ba lephata la thuto go okeletsa ba Thuto ga e golelwe ditsompelo tsa go ba kgontsha tiro, a supa fa ba sokola fela thata. Mogolwane kwa lephateng la thuto kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Rre Ndineni Mbuso, o ne a supa fa maikaelelo a lephata la OSET e le go busetsa bana go ithuta go bala le go kwala, mme bao ba dingwaga di sa ntseng di ba letla ba busediwa kwa dikoleng tse dipotlana. Rre Mbuso o supile gape fa maikaelelo a mangwe e le go ruta bagolo ba ba dingwaga di fetileng go bala le go kwala, a bo a supa fa gape ba ba ruta tiro ya diatla jaaka go roka, go betla le go loga. O supile fa gape se se direlwa gore fa motho a na le bokgoni ba OSET ba mo rotloetse a tle a kgone go ithusa le ba lelwapa la gagwe. Erile a a fa bopaki, moithuti wa Ga e golelwe, Mme Makgabenyana Modise, o ne a supa fa a kgonne go ithuta go bala le go kwala, a supa fa a ithutile gape go bopa dinkgwana tse a itshetsang ka tsone le ba lelwapa la gagwe. Moithuti yo mongwe go tswa kwa motseng wa Sojwe Rre Aaron Petros, yo o dingwaga di masome mararo le bongwe o ne a supa fa a ithutile go bala le go kwala, mme a dirile mophato wa bosupa a bo a pasa, o supile gape fa a le mo dithutong tse dikgolwane, mme maikalelo a gagwe e le go tshwara ka thata go fitlhela a ya go fetsa mophato wa botlhano. O kopile baithuti ka ene go tlhwaafalela thuto, a supa fa go na le batho bangwe ba ba kgonang mme go ba kgoba marapo ba re ba itiela nako, mme a ba kopa gore ba seka ba ba reetsa ba ikamogele ba bo ba eteletse Modimo pele mo matshelong a bone. O lebogetse puso go ba fa sebaka sa go boela mo sekoleng, a supa fa se se ba file seriti. Erile a ntsha mafoko a kgothatso, mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto mo kgaolong ya Kweneng, Rre Benson Rauwe a supa fa setlhogo sa letsatsi leo se re ‘Bala Ditso, Kwala Isago, a supa gore go botlhokwa gore ba dire ditso go baakanyetsa isago ya bone. Rre Rauwe o supile fa thuto e le isago ya motho e e sa jeweng boswa, a bo a kopa baithuti go ithuta ka tlhwaafalo, a supa fa sengwe le sengwe se motho a se dirang ka tlhwaafalo se na le maduo a mantle. O supile fa dipatlisiso di supile gore fa motho a dira selo ka maikaelelo a atlega, a bo a kopa baithuti go rotloetsega gore ba tle ba nne batho ba ba farologaneng mo dingwageng tse di tlang. O kopile baithuti gore ba ipotse dipotso tsa gore fa e sale ba tsena Ga e golelwe a ba kgona go bala le go kwala, a ba kgona go itirela ka diatla le gone gore a ba kgona go dirisa mananeo a puso. Mokhanselara wa kgaolo ya Takatokwane/Dutlwe Rre Tlotlo Batlhophi, o ne a kopa baithuti go tshwenngwa ke bopaki jwa baithuti ka bone, gore ba tle ba tokafatse botshelo jwa bone. O ba kopile gape go itirela seriti ka go leka go itirela matshelo a bone ka se ba nang le sone, a supa fa botshwakga e le boleo. education 4 Ipelelo ngwao e tlotlomatsa boleng le ditso tsa morafe Modulasetilo wa khansele-potlana ya Kanye, Rre Tlhomamo Dibeela a re go ipelafatsa ka ngwao ke morafe ope fela go tlotlomatsa boleng le ditso tsa merafe. Rre Dibeela o boletse se mo moletlong wa go ipelela ngwao kwa motseng wa Magoreapitse mo Kgaolong ya Borwa ka Matlhatso. O boletse fa Botswana jaaka lefatshe a itemogetse kgolo ya itsholelo go tloga kwa go nneng lengwe la mafatshe a a neng a humanegile thata go tla mo go la itsholelo e e fa gare ka ntata ya ngwao e e rotloetsang popagano, therisano le popagano fa gare ga merafe. A re ke ka ntlha ya popagano go bo lefatshe leno le tswelwa ke mafatshe a mangwe pelo e bile Botswana a dira sentle thata mo kgaolong ya Aferika le lefatshe ka bophara. Ka jalo Rre Dibeela yo gape a leng mokhanselara wa kgaolwana ya Dilolwe mo Kanye o ne a kopa banni ba Magoreapitse go tswelela go tshwara ka natla le go babalela dintlha tsa ngwao tse di dirileng gore lefatshe leno le bo le gatetse pele. Rre Dioka Dioka, yo e neng e le molalediwa wa tlotla go tswa kwa Kurumane kwa lefatsheng la Aferika Borwa o ne a akgola thata maiteko a morafe wa Magoriapitse a go tsosolosa ngwao le go e somarela. Rre Dioka a re go tsosolosa ngwao ke nngwe ya ditsela tsa konokono tse di ka dirang gore ngwao e seka ya nyelela. A re bogolo jang meletlo ya ngwao e ruta dikokomane tse di tlang kwa ba go tswang. E ne erile a akgela go le pele, Rre Mokeresete Kgorotlhe a bolela fa maikaelelo a letsatsi leo le le neng le tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng, “Ngwao pilara ya Batswana go tloga dingwaga tse di masome a matlhano le go feta” a tlhalosa fa ngwao e tsweletse ka go latlhegela Batswana. Le fa go ntse jalo, Rre Kgorotlhe o ne a leboga segolo bogolo puso go bo e tsere tshwetso ya go tsosolosa le go rotloetsa ngwao. Jaaka dibui tse dingwe, Rre Kgorotlhe a re tsosoloso ngwao ke yone tsela fela e ngwao e ka fetisediwang kwa dikokomaneng mme e seke e nyelele. arts_culture_entertainment_and_media 0 Ba-na-le bogole ba itela mo pusong Ba-na-le bogole mo kgaolong ya Borwa ba ngongoregile thata ka dithuso tse ba di fiwang ke puso le bangwe ka bone mo ba reng go a ba tlontlolola e bile go ba humanegisetsa pele ka go sena mananeo a lebaganeng le bone. Mo letsatsing la go ipela le tshwaretswe kwa Kanye bosheng, mongwe wa maloko a mokgatlho wa ba-na-le bogole mo Botswana Mme Shelly Keoagile o boletse fa mekgatlho ya ba-na-le bogole e sa bereke mo go ba ba senang lentswe kwa baemeding ba bone le puso. Mme Keoagile o boletse fa ba sena mananeo a lebaneng le bone fela mme ba tlhakanngwa le batho ba ba senang bogole. O boletse fa puo ya ba-na-le bogole ba batlhokapuo e farologane mme go dira gore gonne le tlhoka kutlwisisano fa ba buisana. O tsweletse a bolela fa ba saletse kwa morago ka go akola mananeo a puso ka ntata ya go tlhoka barotloetsi. Rre Padro Ramosanta o tlhalositse fa go thusa ba-na-le bogole e se morwalo wa puso fela, a re batsadi le masika ba tshwanetse go nna le seabe mo ba-na-le bogoleng. O tlhalositse gore ba-na-le bogole le bone ba tshwanetse ba tsena dikole e bile ba kwadisiwe gore go itsiwe gore ba kae le gore ba fa kae gore ba thusiwe sentle ke puso. Rre Ramosanta o boletse fa go na le mananeo a bone a go ithuta dikhomphuthara mo metlobong ya dibuka mengwe le mengwe. O boletse fa go na le lenaneo mo dikhanseleng la go ba rekela dikolotsana tsa maotwana. A re bogole ga se bolwetse ka ba kgona go dira ditiro tse di nang le maduo mo setshabeng. O akgotse khansele ya Borwa ka mo ditogamaanong tsa yone tsa madi ba akaretsa ba-na-le bogole. Mmaboipelego Mme Bakang Motshegwa o boletse fa maikaelelo a lephata la bone ele go tlhabolola ditirelo tsa bone le go lemotsha setshaba gore ba teng e bile ba beile dikeletso tsa ba-na-le bogole kwa pele. Fa a ntsha malebo, modulasetilo wa khansele potlana ya Kanye, Rre Tlhomamo Dibeela o rotloeditse ba-na-le bogole go ema ka dinao go kopana le makhanselara le dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse go ba thusa ka tsotlhe tse ba di tlhokang. Mokhanselara Dibeela o boletse fa puso e dira ka gotlhe go thapa ba-na-le bogole mo maphateng a a farologaneng le mo dikomponeng tse di ikemetseng ka nosi mogodimo ga moo e bile ofisi ya ga tautona e tshwenyegile fela thata mo e dirileng lekalana le le itebagantseng le ba-na-le bogole. O ba kgothaditse go inaakanya le metshameko ka e ka ba busetsa. O dule ka mogopolo wa gore mo dikgotleng le bokopanong bongwe le bongwe go tolokololelwe ka puo ya diatla gore batlhoka kutlo ba itseele melaetsa ka tlhamalalo. BOKHUTLO education 4 Palapye PR Cash and Carry e shwele Mapodisi a Palapye a tlhotlhomisa go shwa ga lebentlele la Palapye la PR Cash and Carry le le jelweng ke molelo la bo la lora bosheng. Mo potsolotsong le BOPA, mookamela mapodisi a Palapye Superintendent Waboraro Ramaja o rile ba ne ba begelwa tiragalo eo Ngwanatsele a tlhola masome a mabedi le bongwe ka nako ya botlhano tshokologo mme ya re go tsibogela pego, ba fitlhela lebentlele leo le kapile molelo lotlhe e bile o jweleletse mo madirelong a a mabapi a le mararo. Supt. Ramaja o supile fa dithoto tsotlhe tse di neng di le mo marekeitsong ao di ne tsa lora mme a re ba santse ba emetse pego mo go beng ba lebentlele leo gore selekanyo sa tshenyo e ka nna bokae. “Mo bogompienong ga re ise re itse tlhwatlhwa ya dithoto tse di senyegileng ka gore beng ba lebentlele leo ba supile fa dipampiri tsa sesupo sa dithoto tse di amagileng le tsone di jelwe ke molelo,” a tlhalosa jalo. O begile gore tiragalo e ga e a gapa botshelo bope le fa e le dikgobalo dipe. Supt. Ramaja a re mapodisi ba tshwentswe ke gore batho ba rata go kokoanela lefelo la kotsi jaaka la molelo mo go leng borai ka go kgona go bo go na le dilo tse di thunyang. O gakolotse beng ba madirelo go netefatsa ka nako tsotlhe gore ba na le ditimamolelo mo madirelong le go di baa ka kelotlhoko mo o rileng go ka thusa gore molelo o lwantshiwe ka bonako. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Moletlo o thusitse mogwebi go oba letsogo Bagwebi bangwe ba ba botlana ba re ba itumeletse meletlo ya boipuso jwa monongwaga ka jaana ba kgonne go dirisa sebaka se go oba letsogo. Mo potsolotsong bosheng, monana wa mogwebi kwa Maun, Mme Mmitseng Ketwaeletswe, yo o gwebang ka go rekisa diaparo tsa mebala ya folaga ya lefatshe leno, a re o lebogela meletlo ya ipelelo boipuso jwa BOT5O. A re kgwebo ya gagwe monongwaga, e dikile e dirile sentle fela thata go na le dingwaga tse di fetileng ka gore banni ba rekile dilwana tsa gagwe ka dipalo tse di kwa godimo. O tlhalositse fa a tlaa dirisa madi aa boneng go atolosa kgwebo ya gagwe le gone go itlhabolola fa a neng a saletse morago teng. O supile fa molaetsa kana kopo go tswa mo komiting e e neng e rulaganyetsa meletlo ya ipelelo boipuso ya BOT50 le Tautona wa lefatshe leno, gore Batswana ba tswelele ka go apara mebala ya folaga go fitlhela ngwaga ono o fela e gorogile mo banning ba Maun e bile ba e tshegeditse. “Batswana mo Maun ba ntse ba tsweletse ba reka dilwana tsa mebala ya folaga, bangwe go lebega e le ba ba neng ba sa kgona go ithekela dilwana tse ka nako ya meletlo ya boipuso ntateng ya letlhoko la madi le mabaka a mangwe” ga bua Mme Ketwaeletswe. A re ka fa banni ba rekang dilwana tsa mebala ya folaga ka bontsi ka teng, go supa fa ba le motlotlo ka lefatshe la bone e bile ba tlhaloganya bokao jwa go ipelela dingwaga tse di masome matlhano tsa boipuso. Mme Ketwaeletswe a re o rotloetsa Batswana go tswelela ba reka le go apara mebala ya fologa gongwe le gongwe kwa ba leng teng ka go bo folaga e le sekano se mafatshe a lemogiwang ka one. O weditse a re, Batswana ba tshwanetse go nna motlotlo ka mebala ya lefatshe la bone, ba ipelafatse ka yone ka go bo lefatshe leno le ne le lejwa e le sekaka mme gompieno le balelwa mo mahatsheng a tlhabologileng. “Lefatshe leno le ipusitse dingwaga tse di masome matlhano go sena tshololo ya madi kana dintwa jaaka mafatshe a mangwe mo Aforika, ditlhabololo di dintsi thata mo lefatsheng leno, ke sa lebale thokgamo le kagiso e e renang mo lefatsheng la rona “, ga bua Mme Ketwaeletswe. economy_business_and_finance 3 Lore le ojwa le sa le metsi Kgosi Israel Molema wa Borolong mo kgaolong-potlana ya Tonota, a re go botlhokwa gore bana ba fiwe dikgakololo tse di maleba, e bile di na le bokao ba sa le ba nnye tse ba ka tswelelang ba di sala morago mo isagong fa ba ntse ba gola. Kgosi o buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng, mme a supa fa a sa itumedisiwe ke ditiro tsa go tlhoka boikarabelo le tse dingwe tse di fatlhang tse bangwe banana ba motse ba felelang ba amega mo go tsone. A re ditiro tse di supa fa bangwe banana ba amega mo go tsone ka jaana ba tlhaetse dikgakololo tse di ka ba betlang tsa ba bontsha pharologanyo fa gare ga molemo le bosula. Kgosi Molema o bile a gwetlha batsadi go seka seka ditsela dingwe tse ba godisang bana ka tsone ka jaana le tsone di na le seabe go senya kgotsa go aga maitsholo a bana. O ne a gakolola batsadi gore ba seka ba nna ba bipa melato ya bana ba bone, a re fa ngwana a dira phoso motsadi a seka a loba kgotsa a ema le ngwana ka se se diragetseng. Go sa le foo, Kgosi Molema o bile gape a supa fa a sa itumedisiwe ke manyalo a a sa rulaganngwang ka fa molaong a a tsweletseng ka go runya e bile a golela pele magareng ga banana. A re mangwe manyalo a a dirwa fela ntle le go dira morero fa gare ga batsadi ba ga mme le rre fa a mangwe a rerwa ke batsadi ba e seng ba nnete. Kgosi Molema a re bodiphatsa jwa one manyalo a ke gore fa go tlhagoga bothata go nna dingalo go agisanya banyalani ka go a bo go sena motlhala wa batsadi ba nnete. A re bangwe basha ba tsweletse ka go kgatlhegela one manyalo a tiitiipote ka ba re ba retelelwa ke go ntsha bogadi. Kgosi Molema a re go tswa goo Lowe, lenyalo le ne le kgonwa go dirwa le ntswa magadi a sa ntshiwa. A re se se botlhokwa ke morero o o dirwang ke batsadi boo babedi le tumalano ya gore motho o ka tsaya mosadi mme go nne le thulaganyo fa gare ga batsadi gore magadi a tla tswa leng e bile ka tsela efe.BOKHUTLO education 4 Kgosi o kopa morafe go rapelela pula Kgosi kgolo ya Bangwaketse, kgosi Malope II o kopile morafe le setshaba ka kakaretso go rapelela pula. Kgosi Malope o buile mafoko a kwa kgotleng kgolo ya Bangwaketse a amogela morafe le diphuthego tsa dikereke ka go farologana ka letsatsi la go tswalela kgwedi ya merapelo ka Sontaga kwa Kanye. Kgosi o boletse fa letsatsi leo e se la go tswalela kgwedi ya merapelo fela mme ele sebaka sa go rapelela pula le boipuso. Kgosi a re pula ke yone botshelo ka fa e seyo gonna leshekere mme fa ele teng go lengwa dijo di nne teng. ka jalo, o ne a kopa morafe le setshaba ka kakaretso go rapelela pula, a gatelela ka gore lefa ba Tepo-Loapi ba tlhalosa fa pula e seyo mono ngwaga, se se seka sa kgoba batho marapo go rapela pula. Kgosi Malope o tlhalositse fa a ikaelela go bitsa dikgafela ngwaga e e tlang pula e nele kgotsa e sa na. E rile a tswa la gagwe, Molomaganya ditiro tsa bolwetsi jwa AIDS mo kgaolong ya Borwa (District AIDS Coordinator), Mme Basadibotlhe Lebogang a bolela fa a lebogetse go bona morafe o le montsi kwa kgotleng go tswalela kgwedi ya merapelo. Mme Lebogang o ba kopile gore le ka letsatsi la boipuso ba tle ka bontsi e bile go le botlhokwa gore ditiro tsa bone di kae fa e tlaare ngwaga o o tlang babo ba ipelela boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano. Le ene o ne a gatelela mafoko a ga Kgosi Malope II a rotloetsa setshaba go rapelela pula ka tlhoafalosa. A re dithapelo tsa morafe di botlhokwa fela thata ebile di ka le re diphetogo mme Pula e nne teng. Moruti Lesole Lesole wa kereke ya Pentecostal Holiness Church e ne ya re a ntsha lefoko la kgothatso a bolela fa Jehofa a utlwa ebile a bona mme a neela phuthego lokwalo la Ditiragalo wa bobedi. Moruti Lesole o tlhalositse gore batho ba tshwanetse go rapelela lefatshe leno ka tlhoafalo ba itebagantse le malwetsi a a senang kalafi le dikgwetlho tse dingwe tse di apesitseng lefatshe leno, jaaka dipula tse di boutsana le tse dingwe. A re Modimo o tlaa utlwa selelo sa morafe mme o fodise lefatshe. society 9 Tikologo e e leswe e diphatsa Kgosi Kaisara Phuthego wa Maboane o lebogetse badiri ba khansele ya Kweneng go bo ba ne ba tshwaretse moletlo wa phepafatso tikologo kwa motseng wa gagwe. O buile jaana fa a ne a amogela baeng kwa moletlong oo ka mafelo a beke. Kgosi Phuthego o ne a tlhalosa fa lephata la Enviromental Health le tshwere tiro e tona mme a tlhalosa fa le sena ditsompelo. Kgosi o kopile gore puso e ele tlhoko metseto ya bana e e latlhwang, a tlhalosa fa e na le seabe se setona thata mo go kgotleleng tikologo, gape e jewa ke leruo mme le felele le tsenwa ke bolwetse jwa mabele. E rile a tswa la gagwe Dr Mwamba Nsebula go tswa kwa moepong wa Jwaneng, a tlhalosa fa nako e gorogile ya go fetola ka fa ba lebang dilo ka teng. O tlhalositse fa go phepafatsa tikologo go raya mongwe le mongwe, mme motho o tshwanetse go ipotsa gore fa a sena go dirisa pampiri kana polaseteke a o e latlha ka tsela e e tshwanetseng. Dr Nsebula a re go phepafatsa tikologo go tlhalosa se motho a leng sone, a bo a tlhalosa fa gape tikologo e e leswe e oka dipeba, mme fa go nang le dipeba teng go ratwa ke dinoga tse di ka felelang di loma batho. O boletse fa go le botlhokwa go busetsa matlakala mo tirisong. O tlhalositse gore kwa moepong wa Jwaneng, tikologo e botlhokwa ka jaana ba epa teemane mo go yone, gape ba dirisa metsi a mantsi a ka fa tlase ga lefatshe. Dr Nsebula o boletse fa ba rotloetsa badiri ba moepo go farologanya matlakala a a ka busediwang mo tirisong le a a latlhelwang kwa lefuting la matlakala. O kopile Batswana gore fa ba bona motho a gasagasa matlakala ba mo kope go a sela le go a latlhela fa go tshwaneng. O ne a ba kopa gore le bone ka bongwe ka bongwe ba itise mo go latlheng matlakala ka tsela e e sa babalesegang. Dr Nsebula o supile fa go sela matlakala go simolotswe ke motho a le mongwe kwa lefatsheng la Australia, fa a ne a bona seemo sa lefatshe la bone se ne se ngomola pelo ka leswe, mme a bona go le botlhokwa go phutha batho go sela matlakala go dira pharologanyo, ke ka moo go ipelelwang letsatsi le lefatshe lotlhe. Dr Nsebula o tlhalositse fa go le botlhokwa gore batho ba tlhokomele tikologo gore e tle e intshafatse. Rre Tlhopho Leatile wa Hatsalatladi o ne a ikgapela maemo a ntlha mo ntlheng ya go thula ditshipi, fa Mme Khumoetsile Sentsho wa Molepelole ene a ne a ikgapela sekgele ka go dirisa galase. Motse wa Kgope o ne wa tsaya sekgele mo metsaneng e e phepa, fa Dutlwe a ne a tsaya sekgele mo metseng e megolwane ka 73.4 Khudumelapye o ne a gapa maemo a ntlha mo metseng e metona, a latelwa ke Thamaga le Lentsweletau. Kgotlana ya Magokotswane e ne ya gapa maemo a ntlha mo dikgotlaneng tsa Molepolole, e latelwa ke ya Boswelakoko di bo di salwa morago ke ya Leologa. Kgaolo potlana ya Letlhakeng e ne ya tsaya sekgele mo kgaolong go fenya ya Mogoditshane e e dikileng e e bontshitse bontshonyana. environment 5 Dipalo tsa melato di golela pele Mmakaseterata wa Molepolole, Rre William Modise a re le ntswa molao wa lefatshe leno o papametse, dipalo tsa bakgweetsi ba ba kgweetsang ba nole di tsweletse ka go golela pele. O buile jalo ka Labotlhano mo kgotla tshekelong ya Molepolole fa a atlholela Mokgosi Monau wa Jwaneng, yo o dingwaga tse di masome matlhano P3 000 go kgweetsa a itshietse. Mosekisi, Inspector Dominic Ntsholetsang o boletse fa e ne ya re Ngwanatsele a le masome mabedi le bone ngogola, mosekisiwa a tshwarwa mo tseleng ya Letlhakeng/Molepolole a kgweetsa a nole bojalwa. Inspector Ntsholetsang o boleletse lekgotla gore mosekisiwa o ne a tlhatlhojwa mme maduo a mohemo wa gagwe a supa fa a fetile seemo se se letlelelwang sa 0.35 mg ka 0.81 mg. Mo maipobolong a gagwe, mosekisiwa o ne a kopa lekgotla go mo utlwela botlhoko a re ke ene motlhokomedi wa lelwapa la gagwe e bile o na le bana. Mosekisiwa o ne a kopa lekgotla go seka la mo gapela setlankana, a re o thapilwe e le mokgweetsi. Fa a ntsha katlholo, Mmakaseterata Modise o ne a tlhalosa fa a utlwile maipobolo, gore mosekisiwa ke la ntlha a dira molato le gore ke ene motlhokomedi wa ba lelwapa la gagwe. O ne a gakolola a re go kgweetsa ke tiro, ka jalo go tshwanetse ga tsewa ka manontlhotlho mme a tlhagisa Monau gore fa a ka dira molato oo gape, o tlaa tseelwa dikgato tse di gagametseng. A re Monau o tshwanetse go itse gore fa seo se ka diragala, bana ba gagwe ke bone ba tlaa babalelwang. Mmakaseterata Modise a re o tshwenngwa ke dikgang tse, a re go ngomola pelo le go feta fa le ba ba itshetsang ka go kgweetsa tota ba tsweletse ka go kgweetsa ba nole bojalwa. E re dikgang di eme jalo, Mmakaseterata Lindiwe Makgoro o atlhotse Domi Gaboakelwe wa kgotla ya Shageng kwa Letlhakeng P3 000 le go mo seegela fa thoko mo go kgweetseng lebaka la ngwaga. Fa mosekisi Inspector Ntsholetsang a tlhalosa, a re e ne ya re Mopitlo a le masome mabedi le boferabobedi monongwaga, Gaboakelwe a tshwarwa mme morago a tlhatlhojwa seemo sa bojalwa mo mohemong wa gagwe mme sa supa fa e le 0.56 mg kgatlhanong le 0.35mg yo o letlelesegang. Mosekisiwa o ne a ipona molato mme a kopa lekgotla go atlhola kgang ka letsatsi la tsheko ka a ne a re o direla kgakala. O bile a re o kopa gore a itshwarelwe ka a sa itsholela. Mmakaseterata Makgoro o ne a re o tsaya mosekisiwa e le la ntlha a dira molato, a re go ipona molato ga ga Gaboakelwe go somaretse nako ya lekgotla. Le fa go ntse jalo, o ne a mo atlhola P3 000 le go mo seegela fa thoko mo go kgweetseng lebaka la ngwaga. BOPA disaster_accident_and_emergency_incident 2 Salajwe o welwa ke seru Banni ba Salajwe mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, ba simologetswe ke kgwedi ya Sedimonthole ka seru morago ga ditiragalo tse pedi tse di sa jeseng monate. Mo tiragalong ya ntlha, mookamela mapodise a Takatokwane, Superintendent Ocean Maraganyane o boletse fa ba ne ba begelwa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome a mararo a neng a hula a bo a bolaya mokapelo wa gagwe wa dingwaga tse di lesome le boroba bobedi kwa lenyalong go ne kwa Salajwe. Supt Maraganyane a re ba begetswe tiragalo eo mo letsatsing la Sontaga mo tshokologong. A re go lebega monna yoo a ne a belaela fa mosetsana yoo a ne a mo tsietsa ka e ne e le baratani, mme ya re ba le kwa lenyalong a mmiletsa fa thoko. A re mme yoo ka a ne a ntse a itse fa a na le kgotlhang le monna yoo, o ne a tla le tsala ya gagwe, mme ya re wa monna a kopa tsala gore e emele fa thoko ba ipue ya gana. A re e ne yare gone foo monna yoo a ntsha tlhobotswana mo pateng mme a hula mosetsana yoo ka fa tlase ga lebele la molema pele a mo feleletsa ka lerumo la bobedi mo tlhogong. Supt Maraganyane a re monna yoo o ne a tsena mo koloing ya gagwe a inaya naga, mme yare sekgala sa dikhilomithara di ka nna tlhano mo tseleng ya Salajwe-Letlhakeng, a tlogela koloi a tsena mo sekgweng go ipheleletsa. Supt Maraganyane a re setopo sa monna yoo se ne sa bonwa mo letsatsing le le latelang ke ba sepodise ka thuso ya morafe. Bobedi joo bo neng bo tlholega kwa motseng wa Takatokwane bo ne bo ile lenyalong kwa Salajwe le mo go lone wa mosetsana e neng e le moetsana. Ditopo tsa bobedi joo jo go utlwalang bo ne bo na le lebaka bo ntse bo ratana di kwa setsidifatsing sa Scottish Livinstone kwa Molepolole go tlhatlhojwa ke dingaka. Mo tiragalong e nngwe e ntse e le mo letsatsing lone leo, motse oo wa Salajwe o ne wa tlhaselwa ke dipula tse di mashetla tse di tlogetseng tshenyo e ntsi. Mmaboipelego, Mme Mothusi Pule o tlhalositse mo potsolotsong fa ditshekatsheko tsa ba ba senyegetsweng di santse di tsweletse, mme a re go ya ka se ba setseng ba se bone, go supegile fa bontsi bo tlaa tlhoka thuso ya ditante. Mo nakong ya fa pego e e kwalwa, Mme Pule o ne a supa fa motho a le mongwe e le ene go supagetseng fa a tlaa batla thuso ya dijo selekanyo sa kgwedi tse pedi goya go tse tharo. Ba ofisi ya ga molaodi mo Letlhakeng le bone ba ne baya go bona tshenyo eo. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Go kgaoganya temo go na le dipoelo Molemi wa Palapye, Mme Tshegofatso Garethata, a re go lema ka pula ya ntlha le go kgaoganya temo go na le dipoelo tse di nametsang. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Garethata a re ngwaga le ngwaga o lema ka pula ya ntlha, mme a kaya fa a sa leme tshimo yotlhe ka nako e le nngwe. Mme Garethata, yo a lemang kwa Pitse-e-wele gaufi le Lecheng, a re dipaka di setse di fetogile, ka jalo go botlhokwa gore molemi yo a lemelang go rekisa a tshware bokgola jwa ntlha gore e re go lebilwe letlhafula ene abo a setse a simolotse go rekisa. A re go lema ka pula ya ntlha go thusa gore molemi a seka a iphitlhela a amilwe ke seemo se se ka tlhagogang sa komelelo fa temo e ntse e tsweletse, mme ebile a kaya fa mogote o o ka tshubang dijwalo o se montsi thata ka nako ya pula ya ntlha. Mme Garethata a re go lema a kgaoganya temo go mo fa sebaka sa gore a itepatepanye le go fetoga ga loapi a supa fa a dira seo ka go bo mo segompienong nako ya go tshologa ga pula go le matswakabele. “Ke simolola ke lema ka pula ya ntlha me ke tlodise gongwe kgwedi e le nngwe fela ke sa leme mme e re kgwedi ya bobedi ke leme gape. Go dira jalo go a nthusa ka gore ga go kgonege gore ke tswe ke sa roba sepe,” a tlhalosa jalo. Mme Garethata yo a nang le dingwaga di le borobabedi a inaakantse le kgwebo ya temo ya dijo tsa Setswana, a re dipoelo tsa temo ke tse di ka tshetsang Batswana a supa fa ngwaga le ngwaga a dira madi aa fetang P60 000 morago ga go rekisa se a se robileng mo tshimong ya gagwe. O kaile fa monongwga a lemile diekere di robabobedi, a tlhalosa fa a setse a rekisitse bontsi jwa mmidi wa gagwe o o metsi ka Hirikgong, mme mo gompieno a tsweletse ka go rekisa magapu, morogo wa dinawa le ntshe. Mme Garethata re bontsi jwa nako o tsamaya ka koloi a rekisetsa fa pele ga marekisetso ka go farologana kwa Palapye. A re ka madi a temo o kgonne go phunya sediba, maikaelelo e le gore mo isagong a tswakanye temo ya gagwe ya komelelo ka temo ya nosetso. Mme Garethata a re temo e batla bopelotelele, lerato le go bereka ka natla, a re tseo di kgontsha molemi gore a gole. O supile fa ene a setse a godile mo ebile a sa ikaegang ka puso gore e mo thuse ka mananeo a a itebagantseg le go thusa Batswana go lema a tshwana le la ISPAAD. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Baithuti ba ithuta ngwao Barutabana ba sekole se se botlana sa Khurumela le batsadi ba bana ba ba tsenang sekole koo ba akgoletswe go ruta bana ka ngwao ya Setswana bogolo jang mo go tsa lenyalo. Fa a bua mo moletlong wa lenyalo o ba neng ba o dirile go kokoanya madi a go agela bana ba ba tsileng go letela go simolola lekwalo la ntlha ntlwana ya borutelo le motlobo wa dibuka, Moemela kgosi ya Palapye, Rre Klaas Motshidisi, o boletse fa ngwao ya Setswana e se go bina dipina tsa Setswana go aperwe matlalo fela ka go dirwa le ke merafe yotlhe le batho basweu tota. A re ngwao ke tsamaiso e bogolo jang e dirwang thata mo manyalong le mo dithulaganyong tse dingwe tsa tsamaiso ya setso go itebagantswe le ditiro tsa setshaba ka go farologana ga merafe mo lefatsheng ka bophara. Rre Motshidisi a re ngwao e simolola ka lenyalo ka e le lone le Modimo a le tlhodileng go atisa batho mo lefatsheng. Lenyalo le le neng le ketekiwa leo, e ne e le la morutabana wa sekole seo a nyalwa ke wa sekole se segolwane sa Lotsane ka tshwaragano le tirisano mmogo ya bodiredi ja dikole tsoo pedi. A re se sengwe se se botlhokwa ke go ruta bana ka didirisiwa tsa ngwao jaaka sekei, segaba, ntxai, seroto le tse dingwe tse ba tshwanetseng go itse gore di dirisiwa thata mo setsong sa Batswana le fa di sa bidiwe ka maina a a tshwanang ka merafe ka go farologana e bitsa ka fa e tlwaetseng ka teng. Morutabana wa sekole sa Khurumela, Rre Michael Mosipidi a re ba tlaa oketsa magadi a a ntshitsweng go aga ntlo ya bananyana gammogo le motlobo wa dibuka. Rre Michel Mosipidi a re maikaelelo a go dira tiro e ke go rutana ka ngwao le go ruta bana mme ba patagantse le go dira madi a ba ka kgonang go tsweledisa dikago tse ba di tlhokang mo sekoleng sa bone mme ba dira jalo ba itshwaragantse le batsadi ba motse oo. arts_culture_entertainment_and_media 0 Bana ke mpho ya Modimo Bana ba tshwanelewa ke go fiwa lerato le tlotlo ka nako tsotlhe ka e le mpho ya modimo ee tlhwatlwa kgolo. Mafoko a a builwe ke moaposetole wa kereke ya Naoith Bible Church, Moruti Odirile Mogae mo moletlong wa matsalo a ga Moruti Elinah Chifana yo o boneng go le botlhokwa go a keteka le bana ba dikhutsana ba Kgomotso Councelling Centre kwa Tsabong bosheng. Moaposetole wa kereke ya Naoith Bible Church yo o ebileng e ne e le sebui sa tlotla letsatsi leo o ne a galaletsa moruti go bo a bone go le botlhokwa gore a gopole bana ba dikhutsana fa a keteka letsatsi la gagwe la matsalo. O kaile fa seo e le go supa lerato le legolo. O ne a kaya fa bone le Moruti Chifana ba kopane ka ngwga wa 2010, fa a ne fudusediwa mo Tsabong, selo se areng se ba kgontshitse go simolodisa kereke ya Naoith Bible Church ee setseng e tiile thata mo kgaolong ya Kgalagadi. Rre Mogae o ne gape a kaya fa mokeresete mongwe le mongwe a tshwanetse go supa lorato mo go bao ba tlhokileng lesego mo botshelong. O buile seo a nopola mafoko a thamaga a a reng ‘gosego letsogo le le abang.’ O ne a tshwantsha dimpho tseo le botsalo jwa ga morena Jeso jaaka a ne a abelwa dimpho ke banna ba ba botlhale a kaya fa lorato e le di ya thoteng le mpho. O ne a kgothatsa mongwe le mongwe go nna le mowa wa go aba are seo ke lorato lwa nnete lo mothatayotlhe a lo rotloetsang. Moaposetole Mogae o ne gwetlha bomme ba bangwe go tsaya malebela mo go moruti Elinah Chifana ka ele mme yo o itsetsepetseng thata mo tumelong mo diemong dingwe le dingwe tse thata tsa botshelo. O ne a supa fa Mme Chifana a kgona tiro ya gawe ya seruti ka a e rata, a le boineelo, boingotlo ebile a e tlotlo go botlhe. Fa aba dimpho tseo moruti Chifana o ne a kaya fa maikaelelo a gagwe e e le go direla setshaba sa modimo ka go ba rerela lefoko la modimo le le boammaruri e seng sepe gape. O ne a kgothatsa bomme ba bangwe go ikaega ka lefoko la modimo ka nako tsothe ka e le one tharabololo mo matshelong a bone . A re gape ba seka ba inyatsa mme ba ikemisetse go goga le borre ba baruti ka modimo o le one gape o ka ba nonotshang mo dikgwetlhong tsotlhe tse ba kopanang le tsone mo tirong ya tsone O ne a lebogela bakulengwe ka ene go bo ba bone go tshwanela go mo direla moletlo wa matsalo a gagwe le bana ba ba senang batsadi ka ba tswanelwa ke go bontshiwa lorato le go le fiwa ka nako tsotlhe jaaka bana bangwe. Moruti Chifana o ne a kaya fa toro ya bone le morweetsana yo o neng a ikgapetse maemo a ntlha mo bommabontleng wa kereke eo, ebong Mme Irene Bimbo go tswelela ba supa lorato leo mo baneng bao ba Kgomotso Councelling Centre ba ba leng lekgolo le masome a ferangbongwe ka palo, ka go ba abela dimpho tseo ngwaga le ngwaga. Dimpho tseo di ne di akaretsa dipoleiti, dikopi,marache a tlhapang meno, mebese, diatlana,dimonemone, le didirisiwa tse ba ithutang ka tsone tse di lopileng madi a kanang ka P4 000.00. A kaya fa madi ao phuthego eo kokoantse fela ka go tsadisa madi go tswa mo dipateng tsa bone. O ne gape a gwetlha lekgotla la baruti le bakaulengwe ka bone go ba ema nokeng ka go tshwragana le bone ka seo se ka ba thusa go fitlhelela ditoro tsa bone, a kaya fa maikaelelo a bone e le go go tswela kwa ntle mo metseng ee gaufi ka go ebela le bana ba dikhutsana ba ba mo go yone mo nakong e e tlang. Go le pele fa amogela batsena moletlo oo modulasetilo wa mokgatlho wa Kgomotso Councelling Centre moruti Andries Burger o ne a supa fa bana le boikarabelo mo go tlhomamiseng gore bana bao ba a tlhokomelwa, ka e le mpho ee tswang kwa modimong. O ne a akgola moruti Chifana le bakaulengwe ka ene mo tirong e ntle e ba dirileng ka ebile e le lantlha e direga mo tseng wa bone. A tlatsa ka go lebogela botlhe baba nnileng le seabe gore tiro e atlege. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Rekang diabe tsa BTCL Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso, o rotloeditse banni ba kgaolo ya gagwe go reka diabe tsa koporase ya megala ya Botswana Telecommunications Corporation Limited (BTCL). Fa a bua mo diphuthegong tsa kgotla kwa Pallaroad, Mookane, Mmaphashalala le Dovedale bosheng, Mme Tshireletso o tlhalositse fa Motswana mongwe le mongwe a na le tshwanelo ya go reka diabe tseo. O tlhalositse fa thekiso ya diabe tse e le tsela nngwe ya gore puso e ithole ditiro go di tsenya mo diatleng tsa Batswana. “A le lona le reke diabe, ga se tsa bahumi kgotsa barutegi, ke tsa mongwe le mongwe, seabe se le sengwe ke P1,” Mme Tshireletso a gwetlha batlhophi. O tlhalositse gore go reka diabe tsa BTCL ke go tsenya madi mo koporaseng eo gore e kgone go itsamaisa mme fa koporase e dira sentle ba ba rekileng diabe ba tlaa bona dipoelo kgotsa morokotso go tswa fela gore ba rekile diabe di le kae. A re batho ka bongwe ka bongwe ba ba rekileng diabe ba bona morokotso fa koporase e sena go duelwa ditshenyegelo tsotlhe tsa yone. A re diabe tseo di tlaa simololwa go rekisiwa ka Mosupologo mo diofising tsa koporase eo, mo diposong le banka ya Barclays. Thekiso e tlaa wela Mopitlo a tlhola gane. Moagi wa Palla Road, Rre Kemoreng Moagi o ne a botsa mothusa tona gore a fa go na le kwelo tlase ya itsholelo koporase e ka phutlhama mme madi a motho yo o rekileng diabe abo a tsene ka mothobodika. Fa a tsibogela matshwenyego a, Mme Tshireletso o ne a gakolola batlhophi gore jaaka kgwebo nngwe le ngwe go nna le diemo tse di siameng le tse di sa siamang,mme a ba gakolola go tsena mo kgwebong ba lebile dipoelo. economy_business_and_finance 3 Puso e tlhabolola batho Puso e ntshitse madi gore Batswana ba a dirise go itlhabolola le go itlhamela mebereko mo magaeng a bone. Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le ditlhabololo magae, Rre Frans Van Der Westhuizen o buile jaana mo phuthegong ya kgotla kwa Shorobe mo kgaolong ya Nhabe bosheng. A re madi ao a ntsheditswe gore a akolwe ke beng-gae ka go neelwa ditiro tse di mo metseng ya bone gore le bone ba kgone go oba letsogo. O kgadile mafoko a a neng a a utlwa kwa motseng oo a gore badiri ba khansele ba reka kwa ntle ga motse le ntswa dilo tse ba di batlang di le teng, le gone go tlhapa batho kontle le fa ntswa baagi ba le teng mo motseng wa Shorobe. Tona o ne a re seo ga se sone se ba se dumelaneng kwa tshimologong. A re go dira jalo ga puso e ne e le gore beng-gae ba tsosolose itsholelo ya metse ya bone, ka go itlhamela mebereko ka puso e itse fa gona le letlhoko le le ntsi la mebereko kwa metseng ya go nna jalo. O bile a tlhalosa fa ba dumelane gore mo dithendareng tsa khansele banana ba nne ba neelwa 15 per cent ya tsone gore le bone ba kgone go iteka lesego jaaka mongwe le mongwe. O bile a tlhalosetsa banni ba Shorobe ka ditiro tse di diriwang ke lephata la gagwe jaaka go tlhokomela bagodi le go agela batlhoki matlo a boroko, go baakanya dikolo le tse dingwe. O ne a tlatsa ka go re puso e dirile gore matlo ao a tswe kwa go 300 mme a nne lekgolo ka ngwaga. Mothusa tona o bile a kgothatsa batho bao go tswelela ba ikopela mananeo go na le go nna fela mo Ipelegeng, a re kana tota yone ke maiteko fela a go lwantsha letlhoko la ditiro mme a re mananeo a ka ba isa golo gongwe fa a tlhokomelwa sentle. Fa a amogela mothusa tona, kgosi wa motse o ne a re o kopa gore motse wa gagwe o agelwe diofisi tsa kgotla tse di kgolwane, a tlatsa ka gore motse wa Shorobe o sa le o nnile le kgotla ka 1962 mme a re ga o na dikgosana tsa tetlano e bile o tlhaelelwa ke ditirelo tsotlhe fela. O bile a kopa diofisi tsa mapodisi le koloi e mapodisi ba ka e dirisang ka a re borukutlhi, segolo jang jwa leruo bo bontsi mo kgaolong eo, a re fa ba ka beelwa ofisinyana ba ka thusa le gone mo go theogeleng bosigo. Fa ba akgela, batho ba motse oo ba boleletse mothusa tona fa ba sa bolo go kopa gore tona wa bojanala, diphologolo le makgabisa naga, Rre Tshekedi Khama a ba etele gore ba e go fedisa kgotlhakgotlhano e e teng fa gare ga bone le diphologolo di tshwana ditlou le ditau le gone go bona gore ba ka e ra rabolola jang. Rre Tshekiso Motumise a re ba kopa puso gore bogolo e ba phakise dijalo gore ba kgone go lemela ditlou fa puso yone e tlaa bo e ba duela a re o bone seo seka nna botoka ka jaanong bone ba lapisitswe ke go di lemela mahala. O tlhalositse fa ba na le tlhaelo e tona ya metsi mo motseng. A re mme se se gakgamatsang ke gore ba duela madi a mantsi ntswa ba sa a nwe, o bile a tlhalosa fa phimolo dikeledi e tsaya nako e telelele go goroga. Rre Gorerwang Fly ene o ne a kopa gore ba thusiwe ka seemo se se maswe sa tsela e e yang kwa mabitleng. A re bogolo e tshelwe metsi ka dinako tse go iwang teng kana e tshelwe motlhaba go fokotsa lerole. O tsweletse a re tsela eo e tshwana fela le e e dirisiwang ke bajanala fa ba tsena mo Moremi a re e dikhuti. Rre Malebogo Dingalo ene o ne a kopa gore batho ba kgaolwana ya Mochaba go bapa le Shorobe ba sekasekelwe go neelwa ditlankana tsa peo ka a re motsana oo o sale o ntse foo bogologolo, mme jaanong ba lekgotla la Goo-Tawana la kabo ditsha bone ba re ke bo maipaafela, ebile ba sa bone mananeo a puso ka jaana go tlhokega gore ba bo ba na le ditlankana. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Goitsemodimo o lebogile ba-na-le seabe Mowa wa bojammogo, tshwaragano le gone go lemoga ba ba tlhokileng lesego o tsweletse ka go tswa maduo. Go supa seo, e ne ya re ka Matlhatso badiri ba sekole se sebotlana sa Pole ba abela Mme Goitsemodimo James yo e bileng e le monni wa motse oo ntlo e e nang le dikamore tsa borobalo di le pedi. Fa a tlhalosa ka go agwa ga ntlo eo, Mme Masego Dithebe yo o neng e le moeteledipele wa tiro eo, o tlhalositse fa e rile ngogola ntlo ya ga Mme James ya jewa ke molelo. “Morago ga gore ntlo ya ga Mme James e lore, re ne ra dumalana re le bodiredi jwa sekole sa Pole go thusa lelwapa le, mme fela jalo ka tshwaragano go tswa mo bogoging jwa motse le bone baithuti, re feletse re kgonne,” ga bolela Mme Dithebe. O ne a tlhalosa fa ba ne ba kgobokanya madi ka ditselana tse di farologanyeng di akaretsa mogwanto o o duelelwang o ba neng ba o dira go tswa mo Pole go ya Masukwane. O ne a leboga ba ba ba thusitseng mo tirong eo; a iteela legofi segolo bogolo ba lekgotla la kabo-ditsha le ba koporase ya metsi ya Water Utilities go bo ba kgonne go tsenya seatla mo tirong e. Fa a latlhela la gagwe, Rre Gabriel Komboni yo o neng a le molalediwa wa tlotla mme e bile e le mongwe wa ba ba nnileng le seabe mo kagong ya ntlo, o kopile morafe ka kakaretso go tsaya malebela mo sekoleng sa Pole. O supile fa bonno e le selo se se botlhokwa mo botshelong jwa motho ka bo mo fa seriti. O ne a kgothatsa ba lelwapa la ga Mme James go tlhokomela mpho e ntle e ba e filweng. “Ke solofela fa ntlo e ya marata go lejwa e tlaa tlhokomelesega e bile gape e tlaa seke e rekisiwe jaaka re atle re utlwe dipego tsa go tshwana le tseo,” a ikuela jalo. E ne e rile a amogela baeng, Kgosi Clinic Ketlogetswe wa motse wa Pole a tlhalosa fa mpho eo e le tsela nngwe ya go diragatsa lenaneo la ga Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama la go agela ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng matlo; a bolela fa go itumedisa go bo lenaneo leo le tsweletse sentle mme e bile le setse le kgonne go tlodisa Batswana ba le bantsi melatswana. Mme James o tlhalositse fa a lebogela se a se diretsweng ke babereki ba sekole sa Pole ga mmogo le ba ba neng ba bona go le maleba go tsenya letsogo mo tirong eo. O ne a tlhomamisetsa ba-tsena moletlo oo fa a tlaa tlhokomela ntlo eo. Mo mafokong a gagwe a malebo, mokhanselara wa kgaolwana ya Mosojane, Rre Mbaakanyi Smart o ne a gwetlha Batswana go tswelela ba thusana, a bolela fa go le sego letsogo le le abang go na le le le amogelang. O ne a galaletsa mowa wa setho o o supilweng ke ba sekole sa Pole. Moletlo oo o ne o tshwaretswe ka fa tlase ga setlhogo se se reng ‘Kutlwelobotlhoko; seabe same mo setshabeng’. BOKHUTLO society 9 Baithuti ba abelwa ditlankana Baithuti ba le lesome le bosupa, ba ba neng ba tseneletse dithuto tsa go apaya borotho ka lenaneo la nyeletso lehuma, ba solofetswe go dira ka natla go fetola matshelo a bone le go nna sekao mo go ba bangwe. Mafoko a, a builwe ke mmaboipelego kwa Ramotswa mme Masego Motsewakgosi, jaaka a ne a buisa baithuti bao kwa moletlong wa go abelwa ditlankana tsa go wetsa dithuto tsa bone.Mme Motsewakgosi o kopile dialogane tseo, go thusanya le ba bangwe le go ruta ba bangwe go supa gore ba godile, le go tswelela ba dirisana le ba ofisi ya boipelego. Erile a ntsha la gagwe, mongwe wa barutwana bao mme Kgalalelo Makopo ,a bolela fa ba ne ba tsibogela mananeo a nyeletso lehuma, fa bangwe ba a nyatsa fa ba utlwa a buiwa mo seromamoweng. O supile fa sengwe se a se ithutileng thata mo dithutong tseo, e le go nna phepa fa a berekelang teng, go bipa moriri fa a apeile, go kgaola dinala le gone go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa.Mme Makopo o supile gape gore, ba lemogile gore fa dikgwebo tsa Batswana dipala ba simolola go di bitsa tsa bommaboipelego, a supa fa e tla a re ba bona dikgwebo tsa bone di sa tsamaye sentle, ba ye go kopa dikgakololo mo go ba boipelego. O supile fa ba ikaeletse go ya go dira ka natla, gore ba tle ba fetole matshelo a bone.Mongwe wa barutwana mme Nametso Ranthoakgale, a re ba itumeletse go rutwa kgwebo ka mokwalo le gone gore ba seka ba kolotisa. Mme Ranthoakgale a re ba setse ba ipona ba itlhotlhorile lehuma, ka ba tla a leka ka bojotlhe go dira botswerere jo ba bo rutilweng.Erile a ba leboga, mothusa modulasetilo wa khansele ya Borwa Botlhaba rre Douglas Kereng, a bolela fa go ka itumedisa gore dithuto tse ba di rutilweng di se fetoge lefela. Rre Kereng o boletse fa go na le thulaganyo ya go fa bana borotho mo dikolong, mme go se thona gore le bone ba ka ipona e le bone ba ba apeelang bana bao borotho.O ba kopile go ithuta mo go ba ba rutilweng nabo, ka jaana ba sa tshware ka o tshwana, a re go dira jalo go ka tiisa maikaelelo a bone. Rre Kereng o boletse gape fa ba tla a ne ba ba etela ba sa ba rerisa, go bona ka fa dikgwebo tsa bone di tsamayang ka teng. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Tirisanyo mmogo e botlhokwa ka nako ya ditlhopho Bontlhopheng ba gakolotswe go dirisanya sentle le batsamaisi ba ditlhopho ka letsatsi la ditlhopho tsa setshaba tse di tlaa tshwarwang kgwedi ya Phalane e le masome a mabedi le bone. E rile a ema bontlhopheng ka lefoko kwa dithutong tsa kgaolo ya botlhophi ya Letlhakeng-Lephepe ka Laboraro kwa Letlhakeng, mogolwane go tswa mo ofising ya ditlhopho ya Letlhakeng, Rre Gakenosi Motshwarakgole o ne a tlhalosa fa batsamaisi ba ditlhopho ba filwe dithata tsa go ntsha ope fela yoo kgoreletsang tsamaiso ya ditlhopho mo lefelong la botlhophelo. O ne a bolelela bontlhopheng fa boikuelo kgatlhanong le motsamaisi wa ditlhopho bo ka dirwa fela morago ga letsatsi la ditlhopho, mme a tlhagisa fa se se ka baya bo ntlhopheng kafa mosing fa ba sa itshware sentle ka jaana ba ka tshwanelwa ke go nama ba eme kwa kgolegelong pele ga kgang e reediwa. Rre Motshwarakgole o ne ka jalo a supa fa boitshwaro jo bo letlelesegang le tirisanyo mmogo dile botlhokwa gore ditlhopho di tsamae ka thelelo. Mo go tse dingwe, Rre Motshwarakgole o ne a gakolola bontlhopheng go tla ka basupi ba ba itseng go bala le go kwala go itsa matsapa a go batla ba ba tlaa supelang basupi bao. A re go ya ka molao wa ditlhopho, fa ntlhopheng a tsile ka motho yo o sa itseng go bala le go kwala, o tlamega go tla ka motho yo mongwe yoo tlaa supelang mosupi yoo, mme ka jalo go nne tiro e ntsi gona le fa ba ne ba tsile ka ba ba itseng go ipalela le go ikwalela. O ne gape a tlhalosetsa bontlhopheng fa molao o sa bue sepe ka go adimana basupi magareng ga ntlhopheng wa bopalamente le wa bokhanselara. O ne a tsibogela se morago ga gore bontlhopheng ka bontsi ba botse fa seo se letlelelwa. Le fa go ntse jalo, Rre Motshwarakgole o ne a tlhalosa fa mosupi a le mongwefela a ka seke a dirisiwa ke ntlhopheng a le mongwefela go feta gangwe. Rre Motshwarakgole o ne gape a gakolola bontlhopheng go duela madi otlhe a ba tshwanetseng go a duela go sa ntse go na le nako go itsa go taboga ka metsotso ya bofelo. BOKHUTLO politics 7 Morafe wa Letlhakeng o leboga puso ka dikatso tsa magosi Mothusa kgosi wa Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng, o lebogile puso go bo e simolotse go atswa dikgosana dingwe tse di neng di ntse di sa atswiwe. O ntshitse malebo a fa a amogela baeng kwa phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke mopalamente wa Letlhakeng/Lephepe, Rre Liakat Kabaly bosheng. Kgosi Puleng o ne a kopa mopalamente go lekela ba ba saletseng kwa morago gore le bone ba tle ba atswiwe mo tsamaong ya nako. Mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Letlhakeng North, Mme Kebafilwe Moselesele o ne a supa fa ditlhabololo tsa P10 million wa dikgaolo tsa botlhophi tsa Letlhakeng di tsweletse, a re ba aga di [stall] fa maemelong a dipalamo. Mo go tse dingwe Mme Moselesele o supile fa ditiro tsa ba-na-le bogole di tsweletse, a supa fa ba goketse sediba ba bo ba aga le matlwana a boitiketso, mme ba tlhaela ka mabeelo a dithoto. Mogolwane go tswa kwa ofising ya SHHA, Rre Goweditswe Moabi, o ne a supa fa ba ba agetsweng matlo ka lenaneo leo ba sa duele sekoloto sa bone sentle. O tlhalosistse fa maikaelelo a lenaneo SHHA e le nthuse ke go thuse, mme fa ba ba thusitsweng ba sa duela, ba paledisa gore ba ba kwa morago ba thusiwe. E rile ba tswa la bone, banni ba supa matshwenyego a bogodu jwa leruo jo bo ba apesitseng kobo ka letshoba. Rre Baitse Monyatsi o ne a supa fa letsholo la Kgomo Khumo le bereka, mme a kaya fa Omang wa dikgomo yo o dirisiwang gompieno, a dira gore leruo la bone le utswiwa motlhofotlhofo. Rre Paper Dikwata o ne a kopa gore metsi a Letlhakeng a tlhatswiwe, a kopa gape gore lenaneo la go fa dikolo dijo[supply] le tsenngwe leitlho ka le ikwadiseditswe ke badirela puso fela. Bangwe ba ne ba supa matshwenyego ka matlwana a boitiketso a dikole tse dipotlana, ba re seemo sa one ga se a siamela botsogo jwa bana. Mogolwane go tswa kwa lephateng la boipelego, Rre Elliot Sebikiri o ne a bolela fa khansele e rekile koloi e e gogang leswe mo matlwaneng a boitiketso, a bo a tlhalosa gape fa lenaneo la go rekela dijo kwa dikolong le tshwanetse go akolwa ke benggae. O kopile batsadi go kgalemela bana gore ba seka ba hula dipone tsa mekgwatha, a supa fa ba busetsa ditlhabololo kwa morago. BOKHUTLO politics 7 Lemme ga le bolae... Tona ya tsa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu o kopile Batswana go sa bifela ditiro dingwe. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa metseng ya Kudumatse le Mokoswane bosheng, tona o boletse fa a tshwenyegile thata ka Batswana bangwe ba ba bifelang go dira ditiro dingwe ntswa ba sa bereke gope mme ba ikanya go nna fela. Tona o boletse gore letlhoko la ditiro le kwa godimo fela thata mo lefatsheng leno ntswa le ka bo le le botoka fa bangwe ba ka bo ba sa tlhope ditiro. O kopile setshaba go itharabologelwa mme ba tsene mo ditirong ka go farologana gore ba bone lemmenyana le le ka ba isang golo gongwe. A re go utlwisa botlhoko go bona bangwe ba nna fela mo majalweng ba sa dire sepe go tlhabolola matshelo a bone. Le fa go ntse jalo, a re mo lefatsheng go tshelwa ka go thusana jalo go bereka motho yo mongwe ga go reye gore motho o maemo a kwa tlase ka yo mongwe o a bo a batla go direlwa fa yo mongwe a batla tiro go ka itshetsa, mo go supang gore batho ba a tlhokana. Rre Batshu o tsweletse a kopa ba ba berekwang go tlotla le go nna le neelano le babereki ba bone. Fa a itebaganya le badisa, o boletse gore e sale Seetebosigo a rogwa dituelo tsa bone di okeditswe go nna P550 ka kgwedi, ka jalo a ba kgothatsa go gagamatsa setoropo go lesa go timetsa leruo. O ba kopile gape gore ba seka ba utswela beng ba bone leruo mme ba dire tiro ka botlalo eseng go nna fela kwa majalweng. A re mo tlholegang ya motho go boletswe fa mongwe le mongwe a tla tshela ka mofufutso wa phatla ya gagwe, ka jalo o kopa Batswana go ema ka dinao go tsena mo ditirong tse di leng teng go tila tlala le lehuma. O tlhalositse fa puso e dira maiteko a go fokotsa batswaka go ka tsaya ditiro dingwe tse Batswana ba ka di dirang ka bontsi, a tlhalosa gore e rile ka 2009, dipalo tsa supa gore batswakwa ba ba dirang mo lefatsheng leno mo maphateng a farologaneng a puso ba 19 080, mme ba fokodiwa ya re ka 2011 ba bo ba le 15 529. O kopile Batswana go ema ka dinao go tsena mo ditirong di akaretsa tsa temo, mesepele, botsogo, go dira mo masimo le go disa. BOKHUTLO society 9 Thuto ya motia ke mangmang mo kabakanyong itsholelo Mookamedi wa Babirwa Concrete Products, Rre Oral Mosedame, a re thuto ya motia ke konokono mo kgodisong le kabakanyo itsholelo. Rre Mosedame a re itsholelo ya Botswana e sa ntse e gola e bile e ikaegile thata ka ditswammung mme se se tlhoka tshwaragano ya ba-na-le-seabe mo mohameng wa thuto, go thusana le puso le go tswa ka meono e e tlhotlheletsang kgolo le kabakanyo ya itsholelo. Rre Mosedame o gwetlhile ba-n-a-leseabe ebong batsadi, barutabana, borra le bomma ba dikgwebo go tsaya boikarabelo jwa go rotloetsa thuto kwa moding. O buile se mo potsolotsong kwa moletlong wa kabo dietsele tsa baithuti kwa sekoleng se sebotlana sa Khuduga mo Gaborone bosheng. Rre Mosedame yo o itlhophetseng go nna morotloetsi mogolo wa sekole sa Khuduga,ka lenaneo la Adopt a School, o gwetlhile borra le bomma-dikgwebo go sekegela tsebe kopo ya puso ya gore dikgwebo di tseye karolo mo kgodisong ya thuto ka go tsenya dikole mo mahukeng a tsone mme ba di abele dithuso tse di tlhokafalang. O tsweletse ka go tlhalosa gore thuto e tlhabolola motho, e tlhabolola le go aga setshaba, ka jalo e godise itsholelo. Fa a tswa lentswe go lebagana le batsadi, Rre Mosedame o gakolotse a menne phatla gore batsadi ba tshwanetse go tshwaraganela le go nna sekao mo baneng, segolo thata ka go supa maitsholo a a amogelesegang; e seng fela go a ruta bana mme bone ba sa a diragatse. A re, Motswana o ne a opile kgomo lonaka fa a re, moroto wa o esi ga o ele. Le fa go ntse jalo, Rre Mosedame o tlhalositse gape gore go fitlhelela thuto e e nonofileng go tlhokega dipaakanyo le tsamaiso e e nitameng. “A re ititeye ka thupana go aga bana ba ba tlaa kgonang go itepatepanya le dikgwetlho mo isagong. Thuto ya boleng jo bo ko godimo e botlhokwa e bile e ka dirisiwa go fokotsa lehuma, go tlhabolola botsogo, go tlhabolola botsalano ga mmogo le gone go aga kagiso le thitibalo mo lefatsheng”, Rre Mosedame a gatelela. Rre Mosedame o weditse ka go kgothatsa baithuti go nna le mowa wa bopelotelele, bonatla le go tshepha gore banalebokgoni; ba seka ba inyatsa. “ Phadisanyo e e phepa e botlhokwa ka e rotloetsa maduo a a amogelesegang mo thutong. Thuto ya rona e tshwanetse go nna le boleng lefatshe ka bophara mme bana ba rona ba tshwanetse go kgona go phadisanya ba bo ba fenya mo lefatsheng ka kakaretso,” ga digela jalo Rre Mosedame yo o tswang kgakala go simolola ka ngwaga wa 2013 a rotloetsa le go thusa sekole sa Khuduga ka ditlamelo. Ka thotloetso go tswa go Babirwa Concrete Products, BC & LM Gas le batsadi, sekole sa Khuduga se ne se tshwere kabo dietsele go rotloetsa, go lemoga bokgoni le go leboga baithuti ba ba gaisitseng. Kabo dietsele e ne e kopane le kaloso ya mophato o o tlaa yang go dira lekwalo la ntlha mo ngwageng o o tlang, ke gore standard one orientation class. education 4 Banna ba tshwaretswe go utswa leokwane Kgosi Simon Nkgageng wa Tati Siding a re ga a bone boroko ntateng ya dipego tse di tsweletseng ka go oketsega tsa borukutlhi mo motseng. O ntshitse matshwenyego a morago ga gore a atlholele bagolo bangwe molato wa go ipagololela mogodu mo leokwaneng la diesel kwa khamphaneng ya China Railways e e itebagantseng le kago ya ditsela. Kgosi Nkgageng o tlhalositse fa borre bao ba ne ba utswa diesel ya selekanyo sa dilithara di le lekgolo le masome a matlhano, mme ba e rekisetsa rre mongwe wa motswakwa, Parks Kwerepe. A re tiragalo e, e diragetse ka Labotlhano, a tlhalosa fa ditoro tsa banna ba di ne tsa phirimisiwa ke badiri bangwe ba badisa dikago ba khamphane ya Security Systems ba ba neng ba ba bona ba bo ba ba tshwara go ba isa kwa molaong lone letsatsi leo. Monna yo a neng a rekisediwa diesel ga twe o ne a inaya naga mme ba seka ba mo tshwara gone foo, mme mapodisi le morafe ba kopanela go mmatla go fitlhelela ba mo tshwara. Kgang ya banna ba, e ne ya tla fa pele ga lekgotla la Setswana la Tati Siding ka Mosupologo, mme botlhe ba tlhalosa fa ba ipona molato mo go se ba lekileng go se dira. Fa ba ntsha maipobolo a bone tebang le molato wa go leka go utswa, bo rre ba ba ne ba supa fa e le bone batlhokomedi ba malapa a bone, mme ba kopa gore lekgotla le ba inele diatla metsing ka e bile ba bakile. Lekgotla le ne la sekegela tsebe maipobolo a bone, segolo bogolo ka e le bagolo mme e bile gape leokwane le le neng le utswilwe le sa dirisiwa. Leokwane le le ne la leriwe e le bosupi fa pele ga lekgotla mme la busediwa China Railways. Fela lekgotla le ne la ba lebisa molato mme la ba atlhola P100 mongwe le mongwe wa bone, fa wa motswakwa ene katlholo ya gagwe e ne ya okediwa ka dithupa tse thataro. Kgosi Nkgageng o ba tlhaloseditse fa go inaakanya le ditiro tse di duleng mo tseleng go sa ba siamela ka jaana maduo a go dira jalo e le go itsenya mo diphatseng le go itshenyetsa isago. Kgosi o tlhalositse gore ke bone ba tshwanetseng go kgalemela banana go ikgapha mo ditirong tse di sa letlelesegeng mme go tlhabisa ditlhong fa e le bone ba batlang go di goga kwa pele mo dikgannyeng tse di sa siamang. O bile a ba rotloetsa gore go tlhoka ditiro e seka ya nna seipato mo matshelong a bone, ka jaana puso e na le mananeo a le mmalwa a ba ka inaakanyang nao gore kgabagare ba inamole lehuma. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Ba Ramokgonami ba ’bete se molangwana Banni ba Ramokgonami kwa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami ba re ga ba itumelele gore e re ba ne ba solofetse gore kampa ya sepodisi e ba tlaa e agelwang e bo e tsentswe mo ngwageng wa madi wa 2020/21. Ba buile jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo, Mme Dorcas Makgato bosheng. Ba boletse fa ngwaga wa madi wa 2020/21 o le kgakala e bile ba fedile pelo ka ba sa bolo go e solofediwa mme ba ne ba solofetse fa e tlaa agwa mo ngwageng ono wa madi. Rre Gakeaitse Malema o ne a bolela fa ba eletsa kago ya kampa eo ya sepodisi e kabo e tlaa agwa mo ngwageng ono kana o o tlang. A re kampa eo ya sepodisi e e tlaa agelwang le matlo a le 26 a mapodisi e tlaa tsisa ditlhabololo mo motseng, ka jalo e kabo e fefogetswe. Ntswa Mme Makgato a ne a tlhalosetsa banni gore o kgonne go tsenya kampa ya sepodisi mo ngwageng wa ditlhabololo wa 2020/21 banni ba ne ba tswelela fela ka go ngongorega. Mme Makgato yo e bileng e le tona wa botsogo le boitekanelo o ne a tlhalosa fa ba tshwanetse go lebogela gore kampa e tlaa agwa e bile e kgonne go tsenngwa mo lenaneong. Mme Makgato o ne a bolela fa a itse fa ba babaletswe mme ba tshwanetse ba nne dipelo ditelele. A re ba Ramokgonami ba tlaa agelwa kampa ya sepodisi ntswa e sa agwe mo nakong e ba neng ba e eleditse. O ne a ba lemotsha gore ba mafelo a mangwe ga ba agelwe sepe ntswa ba kopile ditlhabololo. O ne a kopa banni go lebogela le gore mo mading a a fiwang dikgaolo tsa botlhophi a P10 million ba tlaa direlwa ditlhabololo dingwe. O ne a itsese banni fa a tlaa tswelela a lwela kgaolo ya bone fela jaaka a lwetse gore kampa ya sepodisi e tsene mo ditogamaanong. E ne e rile go le pele, Kgosi Sefhako Gaobuswe wa Ramokgonami a kopa gore ofisi ya sepodisi e e kwa kgotleng e bulwe mme mapodisi ba direle moo ka mo nakong eno ba dirisa diofisi tsa kgotla mme di le mosuke. O ne a kopa gore diofisi tsa kgotla di atolosiwe ka di le mosuke. A re o kopanela ofisi le bathusi ba gagwe mme seo se ba kgoreletsa mo tirong. A re ofisi ya gagwe e setse e le kgologolo mme e tlhoka paakanyo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Goboditsemang Kefitlhile o ne a kopa gore motse wa bone o agelwe sekole se sengwe se sebotlana ka o le motona. A re sekole se sebotlana mo motseng wa bone se mosuke. O ne gape a kopa kago ya matlo a badirelapuso a le masome mararo le gore kokelwana ya bone e nne e ntse e butswe bosigo le moptshegare le gore go phatlaladiwe metsi kwa ditsheng tse disha. BOKHUTLO society 9 Go sa bereka ga dipone go a tshwenya Mokhanselara wa kgaolwana ya Marulamantsi mo Gaborone, Rre Sergeant Kgosietsile, a re go sa bereka ga dipone tsa mekgwatlha mo toropong go a tswenya segolo bogolo fa go le bosigo. O ne a bua se mo bokopanong jwa khansele ya toropokgolo ya Gaborone. Fa a akgela mo pegong ya ga ratoropo ka Labobedi, Rre Kgosietsile a re ga go na pabalesego mo toropong mo go dirwang ke lefifi le le bakiwang ke go sa bereka ga dipone tsa mekgwatlha. E ne e rile ka Mosupologo, ratoropo wa Gaborone, Rre Kagiso Thutlwe, a bolelela makhanselara fa go dirisitswe di dikadike di feta masome a mabedi le boraro mo paakanyong ya didirisiwa tsa motlakase. Fa a tlatsa mo mafokong a ga Rre Kgosietsile, mokhanselara wa kgaolwana ya Marang-Tsholofelo Botlhaba, Rre Meshack Kebeileng a re le ene o ngongoregela seemo se se sa iketlang sa dipone tsa mekgwatlha. A re go baakanngwa ga dipone ga go potlakelwe. Ka jalo mokhanselara Kebeileng o ne a kopa ratoropo gore badiredi ba tsa motlakase ba theogele bosigo le motshegare gore ba kgone go tsibogela seemo seo ka potlako. Rre Kebeileng o kgadile borukhuthi jo bo diragalang bosigo bo bakwa ke go sa bereka ga dipone tsa mekgwatlha, a tlatsa ka gore dirukhuthi di bona sebaka sa go senya fa go le lefifi. Fa a ntsha la gagwe, mokhanselara wa kgaolwana ya Selemela Rre James Matlhogojane a re pego ya ga ratoropo e a amogelwa le mororo bothata jwa matlakala e le bothata jo bo tsweletseng mo toropokgolo mme bo tshwanetse go tsibogelwa. Rre Matlhogojane a re toropo e leswe mme fa go le jalo go tshwanetswe ga dirwa sengwe jaaka go baakanya dikoloi tse di tsayang matlakala gore a kgone a tsewa ka nako. Rre Matlhogojane o ne a tswelela ka gore go ka bo go ne go le botoka fa sephato sa dikoloi tse di thothang matlakala se ka bo se ne se le mo tirisong, gona le gore go bo go bereka fela di le borobabobedi mo go tse di masome a mabedi le borobabobedi. E rile a ntsha la gagwe, mokhanselara yo o ithophetsweng Rre Macdonald Peloetletse o ne a lebogela pego ya ga Rratoropo a re e bua ka dilo tse di diragalang e bile di ama toropokgolo ka karetso. O ne a re le ntswa pego e itebagantse le go tokafatsa toropo, go sa ntse go na le matswhenyego a matlakala a a gasagasameng le toropokgolo. O ne a re toropo e leswe gape ga gona melawana e e gagametseng ka jaana matlakala a gasagasame le toropo e bile e le leswe le le ka bakang malwetse le monkgo. E re le fa go ntse jalo o ne a re khansele e tshwanetse go tla ka ditselana tsa go ka tlosa matlakala mo toropokgolo, o ne gape a re mo mafelong a go lemilweng motlhwa le ditlhare tse di kgabisang go tswanetswe ga nna phepa ka nako tsotlhe. A re ditlhare di tshwanetse tsa kgaolwa ka dinako tse diriling gore go fe tebego e ntle mo toropokgolo. politics 7 Ba le bararo ba ikgapetse matshelo Mapodisi a Letlhakane mo kgaolong potlana ya Boteti a tlhotlhomisa ditiragalo tse mo go tsone batho ba le bararo ba ikgapetseng matshelo. Ramapodisi a Letlhakane, Superintendent Robert Mack a re ba ne ba begelwa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome mabedi le bone wa Mopipi mo kgotleng ya Sekeletu a fitlhetsweng a akgega mo marulelong a ntlo e a neng a e hirisitse kwa Letlhakane ka nako ya boraro motshegare. Rre Mack a re ba ne ba ragosetsa monna yoo kwa kokelong go tlhatlhojwa ke ba bongaka mme ba rurifatsa fa a tlhokafetse. Superintendent Mack o tsweletse a tlhalosa fa mme wa dingwaga tse di masome a matlhano le botlhano yo o tlholegang kwa Mokubilo mo kgotleng ya Tidimalo le ene a ikgapetse botshelo ka go ikaletsa kwa Letlhakane mo kgotleng ya Sekwe. Superintendent Mack a re ba ne ba ragosetsa mme yoo kwa kokelong mme ba bongaka ba rurifatsa fa a tlhokafetse mme a re serepa sa gagwe se santse se letetswe go tlhatlhobiwa ke dingaka kwa kokelong ya Nyangabgwe. Superintendent Mack o boletse gape fa monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le bongwe wa Mosu le ene a ikgapetse botshelo ka go ikaleletsa kwa masimong a Nthane. Rre Mack a re ba tshwenyegile thata ka batho ba ba ikgapelang botshelo. O gakolotse batho go kopa thuso mo mapodising, dikgosi, batsadi le mo go bommaboipelego nako le nako fa ba na le mathata go tila go ikgapela matshelo ka botshelo bo le botlhokwa fela thata. Mo go tse dingwe, mapodisi a tshegeditse banna ba le bararo ba ba tshwerweng ka motokwane wa bokete jwa 20kg. Superintendent Mack o tlhalositse fa ba tshwere borre bao fa ba sena go phuruphutsa koloi e ba neng ba e pagame kwa kgorong ya Makoba. Rre Mack o boletse fa go supa gore bontsi jwa motokwane bo tswa mo metseng ya Serowe le Palapye mme a kopa setshaba go ba loma tsebe ka ope fela yo a ka tswang a itse sepe ka batho ba ba o rekisang. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Kepo ya motlhaba ga e robatse Ratlhomelang Banni ba kgotla ya Ratlhomelang kwa Molepolole ba lela ka bagwebi ba ba epang motlhaba mo molapong o o ralalang kgotla ya bone. Banni ba re seemo se, se tlhoka go tsibogelwa ka jaana tikologo e babalelwa. Mongwe wa banni, Rre Phuthego Thanjo, a re seemo sa go epiwa ga motlhaba ga se ba itumedise ka jaana se bakile tshenyo le go godisa borai jwa go tlola molapo. “Motlhaba o mosola thata go nna teng mo molapong ka jaana o fokotsa bokete jwa metsi go na le gore metsi a fitlhele mokwakwa ka jaana a nna diphatsa.” Rre Thanjo o tsweletse a tlhalosa gore, e re ka jaana seemo se tsweletse ka go ba tlhokisa kagiso, ba tlaa patelesega go tswa ka maano a go lwantsha seemo se ka maiteko a go buisana le ba ba amegang a sa tswe maduo. “Re bua gangwe le gape le batho ba re kgonang go ba tshwara ba epa motlhaba, mme bangwe ba ikope maitshwarelo ka tsholofelo ya gore seemo se tlaa bepa, mme tshenyo e tsweletse ka go gola.” Rre Poloko Rampagane, ene o ne a tlhalosa gore matshwenyego a matona ke gore baepi ba motlhaba ga ba rekegele tshenyo e ba e dirang, le gone go lemoga ditlamorago tse di ka nnang teng A re batho bao ba tlhaloganya gore se ba se dirang ke molato, ka go le gantsi ba ratela ka dinako tsa bosigo kgotsa fa ba lemoga gore beng ba malwapa a a gaufi ba dule. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo ya Ratlhomelang, Mme Leatile Majafhe, a re ba lemoga tshenyo e e dirwang ke batho ka go tlhoka boikarabelo. “Poifo ya rona ke gore molapo o ka nna diphatsa thata fa motho a kgabaganya ka dinako tsa dipula ka jaana motshelakgabo o o dirilweng o le kgakajana mme batho ba dinao ba patelesega go tlola gongwe le gongwe jaaka e ne e le tlwaelo, pele baepi ba motlhaba ba baka tshenyo e kalokalo,” ga tlhalosa Mme Majafhe. O supile gore seemo seo se ba tshedisetsa mo poifong bogolo jang ka dinako tsa dipula fa batho ba o kgabaganya. Motshwarelela mookamela mapodisi a Molepolole le tikologo, Rre Uyapo Koketso, a re seemo seo se tshwenya fela thata, mme e bile ga se ame Ratlhomelang fela. “Re amogela dikgang gangwe le gape tsa go ikgatholosa tsamaiso ya go epiwa ga motlhaba mo go ka fa molaong, mme re tsweletse ka dikotlhao tsa madi a a seng kwa tlase ga sekete, e le maiteko a go kgalema.” Rre Koketso a re ba tlaa tswelela ka maiteko a go bona gore seemo se, se tsena mo taolong. society 9 Tema ya ga Tautona e a bonala Lenaneo la ga Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama la go agela batlhoki bonno le setse le fetotse matshelo a Batswana mo dikgaolong tse di farologanyeng. Motshwarelela Tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe o kaile se fa a abela Rre Ntuntu Wamakgabana ntlo e e agilweng ka lenaneo le kwa kgotleng ya Smodern kwa Mogoditshane ka Labone, Tlhakole a tlhola lesome le boraro. A re ka lenaneo le, go setse go agilwe matlo a le makgolo a matlhano, masome a matlhano le borataro, fa a le masome mabedi le borobabongwe a tsamaela go fela. O tlhalositse fa lenaneo la go agela batlhoki matlo le atlegile go gaisa jaaka go ne go akantswe. “Tiro e sa ntse e tsweletse, mme go lebega e tlaa atlega go na le jaaka go ne go solofetswe,” ga tlhalosa jalo Motshwarelela Tautona. Dr Kedikilwe a re le kwa ntle ga go agela batlhoki matlo, puso e na le dithulaganyo di le mmalwa tsa go thusa Batswana gore ba seka ba wela mo isong. Mananeo a a akaretsa dituelo tsa bagodi, mananeo a batlhoki, masiela, banana, Ipelegeng le a mangwe a a tokafatsang matshelo a Batswana. A re mo kabong madi a setshaba a monongwaga, puso e tlaa dirisa madi a a seng kwa tlase ga P1.2 billion go thusa ba ba dikobo dikhutshwane go ba namola lehuma la nta ya tlhogo. O ne a kaya fa se e le mowa wa lorato, mme a tlhalosa fa se puso le Batswana ka bongwe ka bongwe le bagwebi ba se dirang se tshwanelwa ke go babalelwa, ka se tshidisitse lefatshe leno melatswana. “Mowa o, ke wa lorato, re tshwanetse ra tlhomamisa gore sebi sa one se tswelela pele,” ga kaya jalo Dr Kedikilwe. Dr Kedikilwe o ne gape a galaletsa ba ofisi ya mopalamente wa Mogoditshane e e neng e le yone e eteletseng kago ya ntlo e pele, ka go kopa dithuso le go rerisanya le ba-na-le seabe ba bangwe. Fa a akgela, Mopalamente Patrick Masimolole o ne a kaya fa ntlo e e le ya borataro go agwa mo kgaolong ya Mogoditshane. A re matlo a le matlhano a ne a agwa a bo a fiwa batlhoki kwa Tsolamosese ngogola. Mme e bile o ne a solofetsa banni ba Mogoditshane fa a setse a bone motlhoki yo mongwe yo a ikaelelang go rulaganya gore a agelwe. O ne gape a galaletsa khamphani ya Western Group e e agileng ntlo e, a re ga se la ntlha e dira jalo ka e rile mo ngwageng tse di fetileng ba rekela ofisi ya mapodise a Mogoditshane koloi. Fa a amogela ntlo, Rre Wamakgabana o ne tlhalosa fa a itumetse thata mme e bile a leboga mopalamente go bo a mo thusitse ka bonno. Ntlo ya ga Rre Wamakgabana e akaretsa dikamore tse nne tsa borabalo le ya boapeelo. Go tlhalositswe fa a tla hirisa dikamore tse dingwe tse pedi go itshetsa. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Modulasetilo o kgala babereki ba Ipelegeng Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgotla ya Borakalalo kwa Molepolole, Rre Busang Lekote o kgadile a sa kgwe mathe babereki ba ipelegeng ba ba boitseme mo tirong. Rre Lekote o ntshitse ngongora ka letsatsi la khiro ya babereki ba Ipelegeng ka Labone. A re babereki fa ba tsena ko ditirong tse di farologaneng tse ba di filweng ba feta ba tlhaba kgobe ka mutlwa ba tsaya dikgang ba sa bereke go fitlhelela letsatsi le wela. Modulasetilo a re babereki dinako tse dingwe ga ba obamele nako e go theogelwang ka yone, a re bangwe ba tla morago mo tirong. A re ba lemogile gape fa go na le bangwe ba e reng go theogetswe ba bo ba ya bojalweng. Rre Lekote a re go lemogeng fa mokgwa o babereki ba tsayang tiro ka teng o sa fetoge, ba ne ba ikopanya le khansele ya Kweneng mme ba dumalana gore ba ba sa direng tiro e ba e hiretsweng mo lenaneong la ipelegeng ba tlaa kgaolwa kana go fokotswe dituelo tsa bone. Fa a tswa la gagwe, mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Borakalalo, Mme Banyanabotlhe Baatweng a re bangwe ba babereki ba ipelegeng ba ba kgobotla ka mafoko. A re ba ba bitsa maina a a duleng mo tseleng. Mme Baatweng a re se se ngomolang pelo ke go bo mafoko a a sa siamang ao a tswa ka bagolo. Mo go tse dingwe, Rre Lekote o ne a tlhalosetsa morafe fa ba simolotse go baakanyetsa boipuso. A re boipuso ja monongwaga ke jo bo faphegileng ka jalo bo tlhokana le dipaakanyo tse di tseneletseng. A re ba tlaa kgobokanya madi ka go rulaganya maitiso a dikgaisanyo tsa mmabontle. Modulasetilo o tlhalositse fa batsayakarolo e tlaa nna bagolo ba ba dingwaga tse di masome a matlhano go ya kwa godimo. A re jaaka lefatshe la Botswana le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano ba bonye go le maleba go kgobokanya madi a go baakanyetsa boipuso ka go rulaganya dikgaisanyo tsa mmabontle tsa bagolo e le nngwe tsela ya go ba leboga go bo ba nnile le seabe mo go se lefatshe leno e leng sone. BOKHUTLO society 9 Dibaesekele di fetola seeemo sa baithuti "Morutabana mo sekoleng se segolwane sa Mogobane, Rre Ontiile Ntonga o kaile fa go tla thari mo baithuting ba ba tswang ko mafelong a a kgakala le sekole go fokotsegile fela thata morago ga gore khansele ya Borwa Botlhaba e ba abele dibaesekele. Fa a bua mo potsolotsong, Rre Ntonga o tlhalositse gore baithuti ba, ba ne ba tlamega go tsamaya sekgala sa dikhilomithara di le masome a mabedi le bobedi, go ya sekoleng le go boa. Morutabana o tsweletse a bolela gore se se ne se kgoreletsa dithuto tsa baithuti ka gore ba ne ba tsena thari mo go feteletseng, mo go le gantsi ba neng ba filhela dithuto le merapelo ya maphakela di simolotse e bile ba tla ba lapile, a re seemo se se ne se ama maduo a bone. Fa a tswelela, Rre Ntonga o tlhalositse gore fa e sa le baithuti ba abelwa dibaesekele, ba goroga ka nako, e bile ba rotloetsega go tla sekoleng malatsi otlhe. Mongwe wa baithuti ba ba abetsweng dibaesekele wa mophato wa boraro, Rapelang Mosetlheng a re go tswa Borotsi malatsi otlhe e ne e le kgwetlho mo go ene ka gore o ne a tsena a lapile mo go neng go dira gore a iphitlhele a robetse ka nako ya dithuto. A re go tla sekoleng mo go ene go ne go kgona go mo itsapisa. Mosetlheng o supile gore fa e sale a dirisa baesekele botshelo bo fetogile, ka gore o tsena ka nako mo sekolong le ko lapeng ebile e mo thusa go sidila mmele. A re bothata jo a tleng a kopane le jone ka baesekele ke fa thaere e thubegile le go tlhoka pompo. O kaile fa a thusiwa ke batsadi ba gagwe ka madi, go e baakanya fa e senyegile. Go tswa mo mophatong wa bobedi, Alfred Senye ene o kaile fa a ne a bolawa ke letsapa la go ya sekoleng le go boela kwa Goora-Ratshiping malatsi otlhe, a re letsapa le ne le isa go tsaya karolo ga gagwe mo dithutong ko tlase. A re mo bo gompienong botshelo bo fetogile ka gore ga a tlhokane le go rwala masigo ka tlhogo, o tsoga sentle a bo a ipaakanya a iketlile gore a tsene a lebega ko sekoleng. Fa a ntsha la gagwe mortabana yo mogolwane Mme Siamisang Manda o tlhalositse gore khansele ya Borwa Botlhaba e ne ya abela sekole dibaesekele di le masome a mabedi ngwaga o o fetileng. Mme Manda o kaile gore baithuti ba abelwa dibaesekele fa ba simolola mophato wa ntlha, mme e re fa ba fetsa mophato wa boraro ba di buse gore di tsewe ke ba bangwe. A re dibaesekele tse di dirisiwa ke baithuti ba basimane le ba basetsana ba ba tswang ko mafelong a a kgakala jaaka, Borotsi, Lenkwana, Mojadife le a mangwe. Go ya ka Mme Manda kgwetlho e ba nang le yone ke gore ba bangwe ba tshameka ka tsone, le gore ga go na mabeelo a a faphegileng a tsone fa baithuti ba le mo dithutong. Mme Manda o tlhalositse gore ba rotloetsa batsadi go tsenya letsogo mo go thuseng bana ka madi fa dibaesekele di senyegile. ''Re ratile maiteko a khansele thata ka gore ba bone go tshwanela go re thusa, mo letlhokong le le neng le re apere, e le ntlha nngwe ya go tsisa pharologanyo mo matshelong a baithuti,"" a latlhela. BOKHUTLO" education 4 Sekolo sa Central se supa bopelotlhomogi Barutabana, baithuti le batsadi kwa sekoleng se sebotlana sa Central kwa Palapye ba tsere tshwetso ya go netefatsa gore baithuti ba nna mo tikologong e e siameng e bile e sa kgoreletse dithuto. Ba tlhomamisitse se ka go thama mokgatlho o o bidiwang Mabogo dinku o o simologileng ka 2010. Maikaelelo e ne e le go aga ntlo e e tlaa dirisiwang ke mongwe wa baithuti yo o tlhokileng lesego. Leloko, Rre David Mantsi o boletse fa mokgatlho o dumalane go aga ntlo ya dikamore tse pedi le sephatlo e le boithaopo jwa sekole le ba-tsaya karolo ba bangwe. A re ditlamelo tse di boutsana di ne tsa dira gore ba tseye dingwaganyana ba ntse ba leka go feleletsa ntlo. A re maikaelelo jaanong ke go tsosolosa thulaganyo ya go fetsa kago eo. “Ke maikarabelo a rona go bona gore ngwana o nna le tsotlhe tse a di tlhokang jaaka dijo, diaparo le boroko. Fa sengwe sa dilo tseo di tlhaela di tshwantse go rekwa. Ga go monate go bona ngwana a tshela bokete ntswa go na le ba ba ka thusang,” go bolela Rre Mantsi. A re ba kgonne go kgobokanya P 7 217 mme a sa lekana seelo se ba se ipeetseng, ka jalo a ikuela mo go botlhe go thusa ka se ba ka se kgonang go tshwaraganela tiro eo. O kopile batsadi le barutabana go tsenya letsogo mo tirong e, a bolela fa ba tlhoka baithaopi ba ba tlaa nnang le seabe mo kagong le ba ba ka ntshang didirisiwa tsa kago. “Re itela mo go ope fela yo o nang le kitso mo go tsa kago go thusa fa re emeletsa ntlo go tswa kwa tlase go fitlhela e fela.” Rre Mantsi a re ba setse kgobokantse didirisiwa tsa kago go tswa kwa go ba Majoka Hardware, A1 Hardware, Lotsane Hardware, motlhaba wa kago go tswa kwa Mumbai Auto parts, ditena go tswa kwa Bricks Production Company, fa Shoe size e ntshitse P1 290 mme barutana ba sekole seo bone ba ntshitse P50 mongwe le mongwe. Mongwe wa batsadi Mme Warona Pelotshweu o boletse fa e le maikarabelo a motsadi, ngwana le morutabana go tshwaraganela thuto gore ba tle ba tswelele pele go ntsha maduo. O kopile batsadi go nna le nako ya go etela dibuka tsa bana le gone gore ba nne barutabana kwa lwapeng, e le yone tsela ya go tsenya leitlho mo go boneng gore a ba dira sentle mo dithutong. O ne a rolela sekole sa Central hutshe ka lenaneo le ba le dirang a bolela fa ba dira tiro e ntle thata ya go thusa ba ba ’kobo dikhutshwane e bile batho ba tshwanetse go kwatabolola go tswa go bone. Kgosi Lebang wa kgotla ya Boikago, o akgoletse batsadi go tla ka dipalo tse dintsi fa ba utlwa mokgosi ka ba bilediwa tse di amang matshelo a bana. O boletse fa thuto ya ngwana e simolola kwa lapeng ka jalo batsadi ba tshwanetse go godisetsa bana mo tikologong e e siameng, a rotloetsa batsadi go nna teng mo kgolong ya bana. A re sekole le dikompone tsotlhe tse di tsentseng letsogo mo kagong ya ntlo eo le ditlhatlhobolo tsa sekole di tshwanetse tsa opelwa legofi, a tlhalosa fa moroto wa esi o sa ele. education 4 Lekgotla le emisa go thubela batho Lekgotla la kabo ditsha la GaMalete le emisitse go thubela bomaipaafela ba masimo a Matlapekwe le Lenkwaneng mekgoro, ba sa ntse ba dira tshekatsheko e e tseneletseng le ba bogosi. Mafoko a, a boletswe ke mokwaledi kwa lekgotleng la kabo ditsha kwa ga Malete, Rre Phillip Makhura, kwa phuthegong ya khansele bosheng. Rre Makhura o boletse fa ba ne ba tsere tshwetso ya go thubela batho bao ka e le bomaipaafela, mme ka kopo ya bogosi ba ne ba emisa go thujwa moo, go sekaseka batho ba ba ka tswang ba beilwe bogologolo mme ba sena ditlankana. O boletse fa ka tshwanelo, motho a ka se bewe mokgoro a sena tshimo, mme ka jalo ba lemogile fa batho bangwe ba na le mekgoro go dikologa masimo a batsadi ba bone. E rile ba mo kgwa kgaba, makhanselara a kgaolo ya Borwa Botlhaba ba supa fa batho bangwe ba sale ba beilwe mekgoro bogologolo ke magosi, ka mabaka a gore ba dise melelwane; ke ka moo bana ba bone ba nnang mo go yone. Ba kopile ba lekgotla la kabo ditsha go rerisana le morafe ka kakaretso, go itsa go phatlola batho dipelo. Mokhanselara Mosinki Mpuang, wa Otse Borwa, o tlhalositse fa go thubela batho e se go rarabolola mathata, a bo a kopa ba kabo ditsha go tlogela go dirisa dinonofo tsa bone, mme ba dirisane mmogo le morafe gammogo le bogosi jwa motse. Rre Mpuang o boletse gape fa bontsi jwa batho ba Matlapekwe le Lenkwaneng e le bagolo, ka jalo go supa sentle gore ba sale jaaka ba nna koo pele ga go nna le lekgotla la kabo ditsha. Erile a ntsha la gagwe, mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha kwa gaMalete, Mme Lesego Oteng, a supa fa ba tlhaloganya gore go na le kgonagalo ya gore bagolo bangwe ba bo ba na le mekgoro le masimo a a sa kwadisiwang, mme se se ba tshwenyang ke gore bana ba ba bone ba aga mekgoro go dikologa masimo a batsadi ba bone ba sa e bewa, bogolo thata kwa masimong a Metsimaswaane. BOKHUTLO politics 7 Mapodisi a Ramotswa a kgalemela lenyatso Bakgweetsi ba le masome a mabedi le botlhano ba tshwaretswe go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng. Mafoko a, a boletswe ke mogolwane wa mapodisi a Ramotswa mo lephateng la pharakano, Assistant Superintendent Agreipa Gambule, mo potsolotsong bosheng. Ass Supt Gambule o tlhalositse fa ba tshwere batho ba le barataro ka molato wa go kgweetsa ba sena diteseletso tsa go kgweetsa, fa ba le babedi ba tshwaretswe go kgweetsa dibaesekele bosigo ba se kelotlhoko. O boletse fa ba tshwere batho ba le bararo ka ntlha ya go pana ditonki di le tharo di bapile, fa ba le bararo ba tshwaretswe go utswa motlhaba. Ass Supt Gambule o boletse fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone, motho mongwe a thudileng jarata nngwe kwa kgotleng ya Magope, mme a bo a tlogela koloi a sa tlaleela mapodise. Mo go tse dingwe Ass Supt Gambule o supile ba tshegeditse koloi ya rre mongwe, yo a neng a tshwarwa ka molato wa go kgweetsa koloi mmamadikwadikwane kwa motseng wa Boatle. O supile fa ba tla a tswelela ba ema mo ditseleng go tlhomamisa gore molao o a diragadiwa. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Tiriso botlhatswa ya nnotagi e ama maitsholo Mogolwane wa mapodise a Serowe, Sub-Inspector, Reginah Mochelele a re go supega fa maitsholo a a sa letlelesegeng a golela pele mo kgaolong ya Serowe ntateng ya tiriso botlhaswa ya dino le ditagi.O buile jalo kwa pitsong ya botsogo jwa babereki e e neng e rulagantswe ke ba Serowe Administrative Authority bosheng. Mme Mochelele a re diritibatsi le nnotagi ke bolwetse mo kgaolong ya Serowe, a tlhalosa fa motokwane le bojalwa e le tsone tse di dirisiwang phetelela. A re ke kgang e e tshwenyang, ka jalo e tlhoka gore bagolo ba motse ba e batlele tharabololo . Mme Mochelele o tlhalositse fa maduo a tiriso ya nnotagi a ngomola pelo, jaaka go itlhokomolosa tlhokomelo mo malwapeng, kgodiso ya bana e e sa tiyang, dikotsi tsa tsela tse di bakang dintsho le dikgobalo magareng ga tse dingwe. Mme Mochelele a re mo lobakeng lwa dikgwedi tse tharo tsa ngwaga ono fela, ba kwadisitse dikgang tsa molato wa polao di le nne, tsa petelelo di le masome mararo le bongwe, tsa dititeo di le lekgolo masome a fera bobedi boferabobedi le bobedi, tsa ditlhapa di le masome mane le bosupa, tsa go kgweetsa motho a le mo kgatelelong ya dino di le masome mane le botlhano, fa tsa go kgweetsa ka bofafalele di le masome a mane le boraro. A re mme tse tsotlhe di diragetse ka fa tlase ga kgatelelo ya dino le diritibatsi. A re diritibatsi le dino di rotloetsa kanamo ya mogare wa HIV ka fa motho a di tsere ga a akanye sentle. Mme Mochelele a re batho ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le borobabobedi go ya kwa go masome a matlhano ke bone ba ba amegang thata mo tirisong botlhaswa ya nnotagi, bogolo jang borre. crime_law_and_justice 1 Titus o rotloetsa mowa wa boipelego Banni ba Struizendam kwa kgaolong ya Kgalagadi ba kopilwe go inaakanya le mananeo a puso go intsha mo lehumeng ka seo se ka thusa thata mo go tokofatseng matshelo a bone le bana ba bone. E rile a bua mo kgotleng ka letsatsi la boipuso, Kgosi Isaac Titus a tlhalosa fa bontsi jwa banni ba Struizendam ba le kobo dikhutswane mme seo se sa ba jese di welang, jalo a kopa mongwe le mongwe go ema ka dinao le go nna le mowa wa boipelego ka go itirela eseng go ikaega fela mo pusong. A re seo se ka thusa lefatshe leno go fitlhelela lengwe la matshego a tebelopele ya 2016 la tshaba e e kopaneng, e tshwaragane e bile e itirela. Kgosi o kaile fa lefatshe leno le tswa kgakala le ipusa ka mowa wa kagiso le thokgamo mme a kopa setshaba bogolo jang banana gore ba seka ba senya kagiso eo ka go inaakanya le tsa botlhoka tsebe le borukutlhi. O tsweletse a ba kgothatsa go sala motlhala wa batsadi ba bone morago ka go tsosolosa ngwao ya Batswana gore e seka ya nyelela. Sebui sa tlotla sa letsatsi, mothusa mokwaledi mo ofising ya ga tautona Rre Mogomotsi Kaboeamodimo o boletse fa motse wa Struizendam o melediwa mathe ke metse e mengwe kao tumile thata ka mmino wa Polka e bile e le one wa ntlha go simolodisa mmino oo. Rre Kaboeamodimo o galaleditse ba Kalahari Dancers ka go tshegetsa ngwao ya batsadi ba bone a kaya fa merafe e mengwe mo dikgaolong tse di farologaneng e setse e itshupile fa e kgatlegela go ithuta mmino oo ka ba tsenelela dikgaisano tsa one ka malatsi a ga tautona. Rre Kaboeamodimo o supile fa puso e simolodisitse lenaneo la nyeletso lehuma ka 2012 mo motseng oo ka go lemoga fa o le kgakala le ditlamelo le gone bontsi jwa batho ba one ba tshelela mo lehumeng. O kaile gape fa motse oo, o segofaditswe ka di tsa tlholego di akaretsa ditotoma tsa mmu e bile gape o bapile le mafelo a diphologolo a a kgatlhisang thata jalo seo se ka thusa go ngokela bajanala kwa kgaolong eo. O kaile fa go tsosolosa ngwao go le botlhokwa mme a kopa banana go gata fa tlhako ya pele e gatileng teng ka go kopa ngwao mo mabutswa peleng a lefatshe leno. A re gape go tsosolosa ngwao go ka thusa ka go tshwaraganya merafe le go itsane botoka go sa kgathalesege gore ba farologana ka diteme. Go le pele fa a bala molaetsa wa boipuso boemong jwa tautona wa lefatshe leno, Rre Kaboeamodimo o boletse fa go le maleba go keteka dingwaga tse di masome a mane le boferabobedi lefatshe leno le ntse le ipusa ka go na le tse dintsi tse di le fitlheletseng. O tlhalositse fa go le botlhokwa ka e le go ikgakologelwa ga lefatshe leno fa e sale le tsaya boipuso mo dingwageng tse di masome mane le boferabobedi tse di fetileng, dikgwetlho tse le kopaneng le tsone bogolo jang mo mohameng wa thuto, botsogo, ditswammung, metsi le temo thuo le gone go tswa ka ditharabololo tsa tsone. O kaile fa tshwaragano, tirisano mmogo, therisano, le mowa wa kutlwelo botlhoko le lorato e le tsone di ka dirang gore lefatshe leno le fitlhelela matshego a tebelopele ya 2016. Rre Kaboeamodimo o gwetlhile mongwe le mongwe go ema ka dinao go thusa ba ba kobo dikhutshwane ka go ba agela matlo a bonno gonne bonno jo bo siameng ke jone bo tlotlomatsang motho ka go mo fa seriti. O abetse kgosi ya motse oo le mokhanselara dimpho e le go nna sekao le go supa mowa wa kutlwelo botlhoko le lorato mo go ba bangwe. Letsatsi le le neng le tshologetswe ke batho ba Struizendam le metse e e mabapi le ne la natefisiwa ka moopelo le mmino wa Polka ka setlhopha sa Kalahari Dancers.Bokhutlo society 9 Ba kgothadiwa go tlhoafala dikgwebo Modulasetilo wa khansele potlana ya Boteti, Rre Molemi Galeragwe o kopile batho ba ba thusitsweng ka lenaneo la bong le la nyeletso lehuma ba kgaolo ya Boteti go tsaya kgwebo ka tlhoafalo. Rre Galeragwe o buile jalo kwa thuto-puisanyong ya lekalana la LEA e e neng e rulagantswe ke ba lephata la Gender Affairs mo Letlhakane bosheng . A re puso e mo loetong lwa go dira pharologanyo mo matshelong a Batswana, e dira jalo ka mananeo a a lekang go ntsha batho mo lehumeng gammogo le go tswakanya itsholelo. Rre Galeragwe a re le fa puso e dira maiteko a go ntsha Batswana mo lehumeng, go santse go na le batho ba ba sa tseeng mananeo a ba thusitsweng ka one ka tlhoafalo. A re lekalana la LEA ke thulaganyo ya puso e e batlang gore go rutwe batho ka tsamaiso dikgwebo. A re gangwe le gape Batswana ba ngongorega ka boturu jwa batho ba ba ikemetseng ba ba thusang ka tsa kgwebo. O ba rotloeditse gore ba nne pelotelele le LEA ka jaana lone le thusa le sa lope dituelo dipe. Rre Galeragwe o ne gape a re ba tshwenngwa ke batho ba ba kopang madi a dikgwebo mme e re madi a tswa ba bo ba sa a dirise ka fa go tshwanetseng ka teng, tlatsa ka go re bangwe ba kopa madi ao ba le setlhopha mme e re madi a goroga ba bo ba kgaogana. O ne a ba rotloetsa go diragatsa ditumalano gore ba seka ba senya mananeo a mantle ao. Gape a re puso e ntshitse lenaneo la go reka dithoto tsa dikgwebo tse dipotlana e le tsela ya go ba direla mmaraka. A re ba tshwanetse ba ema ka dinao ba bapatsa dikgwebo tsa bone, ba seka ba baya mo go reng puso e ba direle sengwe le sengwe. Rre Galeragwe o ba gwetlhile gore ba batle menyetla ba bo ba tie moko ba seka ba kgojwa marapo ke dikgwetlho ka gore kgwebo ga se selo se se motlhofo. Mogolwane wa LEA, Rre Emmanuel Lebogang a ne a tlhalosa gore LEA e thusa Batswana botlhe ba ba batlang dithuto tsa kgwebo ntle le dituelo. Rre Lebogang a re ba lalediwa ke mongwe le mongwe yo o tlaa bong a kgobokantse batho go tla go fa bogakolodi ka tsa kgwebo. A re bone ba fa bogakolodi fela ga ba fe batho dithuso tsa madi a kgwebo. O tlhalosa gape gore ba thusa batho go dira dipolane tsa kgwebo. A tlhalosa gore LEA e na le tsamaiso, ka jalo a re motho fa a batla go thusiwa ka polane a seka a fela pelo ka gore o ya go lopiwa dilo tse dintsi. Rre Lebogang o ne a ba tlhalosetsa ka mefuta ya dithuto tse ba nang le tsone. E rile a tlhalosa maikaelelo a thuto-puisanyo, mogolwane wa lephata la bong mo Letlhakane, Mme Mpolokang Gaolaolwe a re ke go rotloetsa batho go tsaya boikarabelo gammogo le go dira boammaruri mo mananeo a ba thusiwang ka one. Mme Gaolaolwe a re ba itemogetse gore batho bangwe ba ba filweng madi a lenaneo la Gender Affairs ga ba a dirise mo kgwebong. economy_business_and_finance 3 Mapodisi a Mahalapye a eme ka dinao E re ka letsholo la malatsi a a masome a marataro la go lwantsha borukutlhi le dikotsi tsa tsela le boloditswe lefatshe ka bophara, ba sepodisi sa Mahalapye le bone ga ba a ipona tsapa go bona gore ba ka dirang go lwantsha tseo. E rile bosheng, mapodisi a Mahalapye ba bo ba gaketse ba tletse motse, go leka go lwantsha bogolo jang borukutlhi mo motseng. Mo potsolotsong, mogolwane wa mapodisi a kgaolo, Senior Superintendent Modisaotsile Bonang o tlhalosa fa le bone ba bone go le mosola go tsenelela letsholo leo, ka go lekola motse wa Mahalapye, bogolo jang mo dikgotlaneng le mafelo a a tshabelelwang ke borukutlhi. Rre Bonang a re ke malatsi a le mantsi ba bolotsa etsholo fela la dioura tse pedi go tsamaya le maemelo a dipalamo tsa setshaba gammogo le dikgotlana tsa Madiba le Flowertown, ka e le tsone di nang le borukutlhi jo bontsi. O ne a tlhalosa gore maikaelelo a bone e ne e se go tshwara ope, mme e le go tsibosa setshaba fa le bone ba le teng go netefatsa fa ba sireletsegile le go leka go lwantsha borukutlhi. A re mo letsholong leo, ba ne ba dira gape mo go teng ‘Stop, question and Search’, a tlatsa ka go re ba ne ba emisa botlhe ba ba belaesegang gore ba ka tswa ba tshotse sepe fela se se borai mo matshelong a batho gammogo le ditagi. Rre Bonang a re mo letsholong leo, ba ne ba tshwara motho a le mongwe, yo o neng a tshotse setlhatshana se go belaesegang fa e le motokwane, mme ba mo tshegetse fa ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse. O ne a tlhalosa gape gore, ba lemogile gore dikgwedi tsa Ngwanaatsele le Sedimonthole, borukutlhi bo ya magoletsa fela thata mo Mahalapye, mme matshelo a setshaba a nne mo diphatseng ka bangwe ba tsamaya ba tshotse dilo tse di borai. O ne a kopa setshaba gore ba seka ba tshoga fa ba ba bona, ka maikaelelo a bone e le go netefatsa fa ba babalesegile, ka jalo a kopa tirisanyo mmogo go leka go fokotsa borukutlhi mo Mahalapye le mo lefatsheng ka kakaretso. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Khansele e rutuntsha ba dikole Mothusa modulasetilo wa khansele ya Bokone Bophirima, Rre Lathang Molonda, a re badiri ba dikolo ba e seng barutabana ba botlhokwa mo kgodisong ya ngwana. Rre Molonda o buile se kwa Maun kwa badiri ba dikolo ba e seng barutabana ba neng ba tsene ithutuntsho e e neng e remeletse mo botsogong jwa tlhaloganyo le matshelo a batho. A re puso e bone go le mosola go nonotsha batlhokomedi ba baithuti ka ba le botlhokwa mo kgodisong ya ngwana. Rre Molonda a re go maleba gore badiri ba, ba nonotshiwe mo maikutlong gore ba kgone go fenya dikgwetlho tse di amang baithuti. O ne a kgothatsa batsena dithuto go tsaya karolo ba le matlhagatlhaga gore ba tle ba kgone go tokafatsa maduo. A re ithuthuntsho e, e tlaa thusa batsayakarolo go itse gore ba ka thusa jang bana mo diemong tse ba lebaneng natso ka go farologana. Moemedi go tswa kwa lephateng la tshireletso ya matshelo a batho, Rre Moffat Nkgari a re dithuto tse di botlhokwa ka di na le seabe se segolo mo go thuseng bana go nna le boikarabelo. A re bana mo Africa ba lebanwe ke dikgwetlho, ka jalo ba tshwanetse go nna le dikitso tse di tlaa ba thusang go itsetsepela. O tlhalositse fa dithuto tse di file batlhokomedi ba bana ba e ka tswang e le masika, ditsala, barutabana le batlhokomedi ba baithuti ba ba nnang kwa dikoleng dikitso tsa go tlhokomela baithuti. Ithuthuntsho e fa sebaka sa go nonotsha botsalano jwa bana le ba malwapa a bone le setshaba. Mogolwane wa tsa kapei le tlhokomelo ya lelwapa kwa khanseleng ya Bokone Bophirima, Rre Sekgwake a re kgodiso ya ngwana e simologa fela fa a santse a imilwe, ka jalo batsadi ba tshwanetse go nna kelotlhoko go tloga ka nako eo. Rre Sekgwake a re bana ba tshwanetse go gakololwa pele ba ya go nna kwa sekolong ka dilo tse di ka ba amang mo kgolong ya bone di tshwana go sa tlwaela ba bangwe, go rotela dikobo le tshakgalo e e feteletseng. A re dikeletso tsa ngwana le tsone di tshwanetse go nna di beilwe leitlho. BOKHUTLO education 4 Baeti ba kopilwe go tshepha thapelo Moruti wa kereke ya Lentswe la ga Dafita kwa Kanye, Rre Motlasuping Mponang, o kopile baeti segolo jang bakgweetsi go tlhokomologa nnotagi, go dirisanya sentle mo ditseleng le go ipaya fa pele ga Modimo pele ga ba tsaya leeto ka malatsi a paseka. O buile jalo mo potsolosong kwa Kanye bosheng. A re mongwe le mongwe o tshwanetse go itse fa konokono ya malatsi a paseka e le go rapela, eseng go ijesa monate o go le gantsi o felang ka botlhoko gongwe o gapile matshelo a bangwe. A re bakgweetsi le baeti ba kope Modimo go ba sireletsa fa ba tsaya leeto gore a thibose dikgoreletsi tsotlhe mo ditseleng mme gape a ba kopa go leboga fa ba sena go goroga. Moruti Mponang o bile a kopa batsadi go kopa bana ba bone go etela dikereke ka malatsi a paseka go ipaya fa pele ga Modimo gore o ba sokolole, o ba tlogedise mekgwa e e duleng mo tseleng. O file sekai ka banana ba ba bonwang mo marekisetsong a bojalwa mme a ba kopa gore ba tlogele dinotagi, ba inaakanye le dingwe di sele tse di ka ba ntshang bodutu ka go ba solegela molemo. Moruti a re seo se ka fokotsa metsamao mengwe ya bone e e sa tlhokafaleng, e gole gantsi e ka tsenyang matshelo a bone mo diphatseng. Mongwe wa ba tsamaya- ka- dinao, Rre Peter Mheetwa, ene o tshwentswe ke gore batho segolo thata banana, ba tlhoka go iketla, segolo thata ka malatsi a boitapoloso, selo se a reng se felela se ba bakela dikotsi a tlhalosa fa bontsi jwa bone ba abo ba le mo maibing a dinotagi. A re fa dipatlisiso di ka dirwa go ka fitlhelwa bontsi jwa dikotsi di bakwa ke bakgweetsi ba ba kgweetsang ba nole. Rre Mheetwa a wetsa ka go kopa ba sepodise go ema ka dinao go baya seemo seo leitlho. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Botlhoki bo ka fedisiwa ka go rutuntsha batlhoki Mokgatlho wa Emanuel Charity Organisation o ikemiseditse go fetola matshelo a batlhoki ka go ba tlhatlhelela ka maele a a farologanyeng a botshelo gore ba se ka ba ikaega ka dithuso tsa bopelotlhomogi. Go buile jalo modulasetilo wa mokgatlho wa bopelotlhomogi wa Emanuel, Rre Brandon Sadie, kwa Palapye ka nako e ba neng ba abela batlhoki dijo, a re go botlhokwa gore batlhoki ba rutuntshiwe go itirela gore ba tswe mo lehumeng go na le go ikaega ka dithuso tsa bopelotlhomogi. Rre Sadie a re ba na le dithulaganyo tse di rutang banana go tshela ka bokgeleke jwa bodiragatsi le go ba ruta boitemogelo jwa go buisa batho, fela jaaka gotwe “ruta motho go tshwara tlhapi, e seng go e ja fela.” Mosimolodi wa mokgatlho, Mme Lindy Sadie a re mokgatlho wa Emmanuel Charity Organisation ke mokgatlho o o tlhamilweng ka 2014 mo Botswana ke Batswana, mme o sa dire dipoelo, ka jalo o thusa Batswana ka dithuso tse ba di filweng ke ba bangwe. Mme Sadie a re Batswana ka bontsi ba kopanya mokgatlho wa bone le Emanuel TV ya ga Moporofite TB Joshua le ntswa e le mokgatlho o o sa amaneng ka gope le Emanuel TV. O kopile Batswana gore fa mokgatlho wa Emmanuel o kopa dithuso mo go bone ba thuse ka kitso ya gore ke mokgatlho wa mo Botswana o o ikemiseditseng go thusa Batswana ba ba tlhokileng lesego. A re mo nakong eno ba setse ba fetotse matshelo a batho ba le bantsi. A re gone jaana ba na le ntlo e ba e agelang monalebogole kwa Topisi le e nngwe mo Palapye mme di tlhoka go felelediwa. A re kopo e ba nang le yone mo Batswaneng ke gore ba tshwaraganele tiro e, ba tle ba kgone go thusa. Mme Sadie o ne a lebogela moporofiti Kabelo Tabona go ba tswa thuso e e ba kgontshitseng go thusa batlhoki le masiela ba le lesome le botlhano ka dimpho tsa dijo. Kgosi Michael Maforaga o ne a kgothatsa Batswana gore ba nne le mowa wa go abelana, a re go dira jalo go ka thusa batho ba le bantsi ba ba humanegileng mme ba sa iphe sepe. O ne a kopa Batswana gore ba se nne le mowa wa lefufa, mme ba thuse mekgatlho e e tshwanang le Emanuel gore e tle e kgone go aba. Kgosi Maforaga o ne a kopa ba Emmanuel gore ba nne le mananeo a mantsi a a tlaa dirang gore batlhoki ba itirele ba bo ba tshele ka go itirela, e seng gore ba nne ba direlwa. Fa a leboga ba Emmanuel Charity Organisation, mmaboipelego wa Madiba Extension Area Mme Dipogiso Gabaake o ne a kaya fa mokgatlho jaaka wa Emmanuel o le mosola fela thata. A re lephata la boipelego le lebagane le batlhoki, le bana ba batlhoki, bana ba ba tlhokang dikotla le masiela. A re le fa go ntse jalo, lephata la boipelego le lebanwe ke go thusa batho ba ka ditsela tse di farologanyeng jaaka go ba rekela dijo, diaparo, le tse dingwe. Mmaboipelego o supile fa dipalo tsa batlhoki di le kwa godimo fela thata mme lephata la boipelego le sa kake la kgona go ba thusa botlhe ka le tlhaelelwa ke madi. Mmaboipelego a re go botlhokwa fela thata gore batlhoki ba ikamanye le mananeo a a tshwanang le nyeletso lehuma mme ba kgone go fetola matshelo a bone. O tlhalositse fa lehuma le sa jewe boswa gona le kgonagalo ya gore bana ba ba tshotsweng ke batlhoki le bone fela jaaka ngwana mongwe le mongwe ba tsoge ba ntshitse batsadi ba bone mo go lone. society 9 Thuso ya potlako e botlhokwa Mogolwane wa LEA, Mme Abgail Mokiya o rotloeditse bakgweetsi go ipaakanyetsa go nna le seabe mo thusong ya potlako y fa ba kopana le kotsi e diregile fa ba le mo mesepeleng ya bone ka nako tsotlhe ka seo se ka thusa thata mo pabalesegong ya botshelo mo go yo o amegileng. Thotloetso e,o e buile maabane mo dithuto puisanong tsa bakgweetsi tse ba neng ba di rulaganyeditswe ke ba komiti ya ipabalelo tseleng mo Tsabong. Mme Mokiya o ne a tlhalosa fa thuso ya potlako e ka dirisiwa kwa tirong, mo lwapeng le mo koloing fa kotsi e diregile. A re e botlhokwa ka e ka boloka botshelo jwa yo o amegileng pele ga thuso e o ka e bonang kwa sepateleng. O kaile fa mo thusong ya potlako go sa letlelesege gore ope o ka dirisa melemo mo nthong ya yo o gobetseng ntleng fela le ba bongaka. O ne a kopa bakgweetsi go tsenelela dithuthuntsho tsa thuso ya potlako ka e le mosola thata mo matshelong a bone le setshaba ka kakaretso. Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo mothusa modulasetilo mo komiting ya ipabalelo tseleng mo kgalagadi borwa Assistant Supurintendent Keagetswe Lorato o ne a tlhalosa fa maikaelelo e ne e le go tsibosa bakgweetsi ka botlhokwa jwa go hema dikotsi le Go ba tsibosa ka ditlamorago tsa go tlhoka go kgweetsa sentle gammogo le go ba rotloetsa go nna le go tsaya boikarabelo mo go tlhomamiseng gore ga go direge dikotsi dipe gotlhelele. Moeteledipele mo lephateng la CTO mo Tsabong Rre Loruo Morwe o ne a supa ba tshwengwa ke palo e ntsi ya dikoloi tse di amegang mo dikotsing tsa tsela ka ntlha ya go kgweetsa bohahalele ga bakgweetsi bangwe ba puso. O ne a kaya fa dikoloi tsa puso di senyega ka pele ga lobaka lo lo di beetsweng fa di tshwantshwangwa le tsa beng mme a kopa bakgweetsi go di ela tlhoko le go di tlhokomela sentle ka e le tsone tse ba itshetsang ka tsone. Rre Morwe o ne a itsise bakgweetsi ka boranyane jo bosha (FTMMS) jo bo tla tsenngwang mo dikoloing tsa puso go laola mosepele o ba o tsamyang fa ba le mo tirong a supa fa seo se tla thusa gore di dirisiwe ka fa go tshwanetseng ka teng. Mme Botty Ranthoakgale mogolwane go tswa mo lephateng la CTO mo lekalaneng la batlhatlhobi ba dikoloi o ne a iteela kobo moroko mafoko a Rre Morwe ka go rotloetsa le go kopa baeteledipele mo maphateng a puso aa farologanyeng go tlhatlhoba dibukana tsa dikoloi tse di diisiwang ke bakgweetsi ka nako tsotlhe ka seo se ka fokotsa go dirisiwa botlhwatswa ga dikoloi tsa puso le go tlhoka go tsamaya mesepele e ba sa e laolelwang. Mme Ranthoakgale o ne a kopa bakgweetsi gape go fokotsa mesepele ya bosigo ka go bereka nako ee feteletseng ba gabile madi, A kaya fa seo e le sone se gantsi se bakang dikotsi mo dikoloing tsa puso. Rre Kefentse Magowe mogolwane go tswa kwa lephateng la dipalamo le ipabalelo tseleng fa a bua mo dithuto-puisanong tseo o ne a tlhalosa mo go tseneletseng ka botlhokwa le thulaganyo ya go dira setlankana sa go kgweetsa. A kaya fa molao o letla gore se ka dirwa ke Motswana mongwe le mongwe yo o dingwaga tse di lesome le boherabobedi go ya kwa godimo Rre Magowe o ne a gakolola bakgweetsi le setshaba ka kakaretso go ikopanya le go itsise ba ofisi ya bone ka nako ya fa ba fapaanya dikoloi go itsa diketsaetsego tse di ka kgonang go nna teng magareng ga bone a go tlhoka go tshwana ga di nommore tsa di engine fa ba kgethela dikoloi tsa bone. Mongwe wa ba ba neng ba laleditswe mo dithuto puisanong tseo mogolwane go tswa mo lekalaneng la MVA Mme Tebogo Robertts o ne a tlhalosa mo go tseneletseng ka maikaelelo le maitlamo a supa fa lekalana la bone le itebagantse le go tlhomamisa gore mongwe le mongwe yo o amegang mo dikotsing tsa tsela fa a gobetse ba mo thusa ka tsa bongaka ka na tsa phitlho. Mme Roberts o ne a tlhalosetsa batsena dithuto puisano tseo fa lekana la MVA pele ga le ka thusa yo o amegileng ba tlhokana le bosupi jo bo tswang kwa go ba botsogo le ba sepodisi go rurifatsa tiragalo eo. O ne a itsise setshaba go inaakanya le ba ofisi ya bone ee kwa Kang yo e leng yone e okametseng kgaolo ya kgalagadi. Mongwe wa bakgweetsi ba ba neng ba tseneletse dithuto puisanong tseo fa a kgwa dikgaba baruthuntshi bao Rre Benjamin Madube o ne a lebogela dithuto, a tla a supa fa gantsi dikotsi dingwe di bakwa ke go tlhoka go rulagangwa le go rerisanwa sentle ga mosepele pele ga nako ke baeteledipele, a kaya fa seo gape se baya bakgweetsi mo kgatelelong ka nako e nngwe ba bo ba sa ipaakanyatsa mesepele. Fa ntsha la gagwe Sup Inspector Olebile Rakhobo wa sepodisi sa pharakano o ne a supa fa ba sepodisi ba gatisitse dikgang di le 125 tsa dikotsi tse mo go tsone go nnileng le dintsho di supa dikgobalo tse di masisi di le 24 le tse di potlana di le 40 mo kgaolong ya kgalagadi borwa go simologa ka kgwedi ya Hirikgong go fitlha ka ya Sedimonthole e ya fifing. Sup Inspector Rakhobo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa go kgweetsa mokgweetsi a nole bojalwa e le one molato oo di gogang kwa pele fa go tshwantshwangwa le e mengwe e akaretsa go kgweetsa mokgweetsi a sena setlanakana,letsapa le e mengwe. Mo mafokong a gagwe a tebogo mongwe wa bakgweetsi ba dikoloi tse di pegang setshaba Rre Thoje Thoje o ne a lebogela ba komiti ya ipabalelo tseleng le baemedi ba maphata otlhe aa neng a ruthuntsha a kaya fa dithuto tseo le mosola le gore di tla tlisa pharologanyo mo matshelong ka di ba butse matlho mabapi le ipabalelo tseleng. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Bokomo Richmark e jesa Botswana Mopalamente wa Bobonong Rre Shaw Kgathi o akgotse khamphani ya Bokomo Richmark a supa fa e jesa lefatshe la Botswana ka nama ya koko ebile e thapile Batswana ba le bantsi bogolo jang ba kgaolo ya Bobirwa. Fa a buisa badiri ba khamphani eo beke e e fetileng, Rre Kgathi a re Bokomo Richmark e thapile badiri ba feta makgolo a mararo mme e bile e rekisetsa mafelo a tshwana le Francistown, Maun, Selebi Phikwe le Gaborone kwa e phatlalatswang teng mafelo ka go farologana. Le fa go ntse jalo Rre Kgathi yo gape e leng tona ya itshireletso, molao le thokgamo o supile fa kompone eo e na le dikgwetlho jaaka tlhaelo ya metsi, seemo sa tsela se se sa siamang mme a re tse ke dingwe tsa dikgang tse a di emetseng ka dinao. A re o tlhaloganya gore khampani ya Bokomo e ntse e leka go ka phunya metsi mme ba itaya se fololetse mme a supa fa go sa ntse go na le dipuisanyo fa gare ga khampani eo le ba lephata le le maleba gore ba ka thusiwa jang. Rre Kgathi a re tsela e e sa siamang le tlhaelo ya metsi ke dingwe tsa dikgwetlho tse di ka dirang gore kompone eo e fuduge mme batho ba le bantsi ba ka latlhegelwa ke ditiro seemo se a reng ga go ope yo o se eletsang gore se ka diragala. O supile fa a tlaa tswelela a buisana le puso gore tse kompone eo e lelang ka tsone di felele di fitlheletswe. Mo go tse dingwe o ne a supa matshwenyego ka bogodu ja diphologolo jo bo diragalang kwa polaseng eo ya Bokomo Richmark mme a kopa banni go begela mapodisi bao ba inaakantseng le borukutlhi joo. Mopalamente a re gape o tshwenngwa ke dipolaano tse di diragalang mo motseng wa Moletemane jaaka mo ngwageng o go setse go gatisitswe dikgang di le borobabobedi. Mo go tse dingwe mokwaledi wa khansele ya Bobirwa Mme Gomolemo Moepeng o gakolotse badiri ba kompone eo go ikagela matlo ka lenaneo la SHHA mme a supa fa diofisi tsa bone di butswe go thusa bao ba ikaelelang go ikagela matlo ka lenaneo leo. Mme Moepeng a re dikopo tsa banni ba motse wa Moletemane di ntse di arabelwa kwa Palapye mme jaanong di arabelwa kwa Bobonong. Fa modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha Rre Kganya Poloko a kopile banni go kwadisa ditsha tsa bone a supa fa kwadiso e wela kgwedi eno e le masome a mararo le bongwe. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Moletemane Rre Matlotlo Ramaphane ene o supile fa seemo sa tsela e e gokaganyang motse wa bone le wa Tsetsebye e sa ba jese diwelang ebile e ka phutlhamisa kompone ya Bokomo Richmark. Rre Ramaphane a re le fa go ntse jalo ba na le tsholofelo e ntsi gore lenaneo la ESP le tlaa thusa go tshela tsela eo sekonteri. economy_business_and_finance 3 Dikopo tsa metsi di dintsi Tona wa Meepo, Kgotetso le Metsi, Rre Kitso Mokaila, o tlhalositse fa dipalo tsa batho ba ba ikopelang go gokelelwa metsi mo malwapeng di ile kwa godimo. O buile se ka Labotlhano fa a tsibogela matshwenyego a baagi ba Maunatlala a gore koporase ya metsi ya Water Utilities Corporation e tsaya lebaka go ba gokelela metsi ntswa ba sale ba dueletse ditirelo tseo. Baagi ba koo ba re seemo se se kwa godimo fela thata, ba supa gore (seemo) sene se seyo fa ditirelo tsa metsi di santse dile kwa dikhanseleng . Rre Mokaila o tlhalositse fa dikopo tsa go gokelelwa metsi di oketsegile thata ka gore ka nako ya ditirelo tseo di le kwa dikhanseleng thwathwa ya go gokela metsi e ne ele kwa godimo. A re ka nako eo, batho bane ba ithekela didirisiwa tsa kgokelo metsi ,le one madi a go gokelo a ne a le kwa godimo. Rre Mokaila a re ka mo nakong eno batho ba sa ithekele didirisiwa tsa kgokelo ebile le dithwathwa tsa go gokela metsi di fokoditswe batho ka bontsi ba kgona duelela ditirelo tse. Mookamela kgaolo ya Palapye le Mahalapye mo koporaseng ya Metsi, Mme Daphne Motsumi le ene o ne a supa fa e le boammaruri ba tsaya lobaka go gokelela baikopedi metsi a re dipalo tsa bone di a ba hekeetsa mo ebileng ba kgona go kopa bangwe gore ba ikepele mesele. A re se se diwa ke gore madi a kgokelo metsi a ko tlase. Fa a tsibogela matshwenyego a banni ba koo, a gore ba reka dikarata tsa metsi ‘tokens’ kgakala o ne a tlhalosa fa ba na le thulaganyo ya gotla mo motseng moraga ga dikwedi tse tharo go rekisa dikarata tseo ,ka jalo a rotloetsa morafhe go reka dikarata tse di fetsang dikgwedi tse tharo. Le fa go ntse jalo, Mme Motsumi a re fa dikarata tsa metsi di ka fela pele ga dikgwedi tse tharo di wela ba(morafhe) ka bua le boeteledipele jwa motse jaaka mokhanselara ba bo ba ikwadisa kwa mo go ene mme a bue le bone gore ba dire thulaganyo ya gotla go ba thusa pele kgwedi tse tharo tse ba di ipeetseng di wela. BOKHUTLO society 9 Kgosi o lela ka boitshwaro jwa banana Kgosi wa Sebina, Kgosi Kgakanyane Sebina o buile a sa kgwe mathe fa bana ba motse wa gagwe ba sa mo robatse ka boitsholo jo bo makgasa. Kgosi Sebina a re bana ba motse oo ba nwa bojalwa phetelela mme e bile go bonala ba sa ikaelela go dira sepe se se molemo ka isago ya bone ka ga bone e le go tlhola fela mo marekisetsong a dino ga mmogo le go oketsa dipalo tsa dirukutlhi mo motseng. A re o buisiwa gape ka pelo ke barekisi ba majalwa, segolo jang a setso, ba ba rekisetsang mo malwapeng ka go sa obameleng melao le dinako tse di beilweng ke puso. A re bontsi jwa bone ba laolwa fela ke fa bojalwa bo setse bo eme sentle, ba bo ba simolola go rekisa go sa kgathalesege gore a go phakela kana jang. A re seo se fa le bana sebaka sa go tlhola ba anwa letsatsi lotlhe ntle le go ipha sebaka sa go akanya pele ka tse di botlhokwa tsa botshelo. O tladitse ka go re seo gape se tshwenya ka le fa a biditse diphuthego tsa kgotla banwi ba bojalwa ba sa tsiboge fa bangwe ba tla diphuthegong ba itshietse mme ba fete ba tlhoke botho fa pele ga lekgotla. Kgosi Sebina a re o tshwenngwa gape ke batswakwa ba ba tletseng mo motseng ka bana ba motse wa gagwe ba setse ba amule botsipa jwa go thukutha mo go bone. A re mo kgweding e e fetileng ba ne ba tshwara batswakwa go tswa Zimbabwe ba le lesome le botlhano mme ba ba busetsa gagabo, a tlatsa ka go re mo nakong e e sa fediseng pelo bangwe ba bone ke fa ba setse ba boile. A re se se ka tswa se supa fa batswakwa bao ba sa goroge kwa gae. Kgosi Sebina a re tharabololo ya seemo se e ka nna gore batho ba go nna jalo ba tsenngwe mo kgolegelong. A re seo se oketsa le tshenyo ka gore le bana ba motse ba dira ditiro tsa borukutlhi mme morago ba dire seipato sa gore go sentse batswakwa. A re ga go na kgwedi e e fetang ba sa kwadisa dikgang tsa bogodu kgotsa petelelo. Kgosi o ne a supa matshwenyego gape tebang le molao o mo go one modira-molato a kgonang go fiwa sebaka sa go letela tsheko kwa ntle. A re e le dikgosi ba atlhola badira-melato mme e re ba ikuela kwa dikgotleng tse dikgolwane ba fete ba fiwe sebaka sa go letela tsheko kwa ntle. A re mo mabakeng a mantsi disinyi tseo di boa gape di dira melato e mengwe. A re puso e tshwanetse go lebisisa molao oo ka o baya matshelo a setshaba mo diphatseng le gone oketsa borukutlhi. crime_law_and_justice 1 Banni ba tsamaisa kgosi sentle Banni ba Lotlhakane East e ne ya re bosheng ba ipelela tsamaya sentle ya Kgosi Searobi Bareng Searobi. Fa a bua kwa moletlong oo, modulasetilo wa komiti e e neng e o rulaganyetsa, Rre Michael Mohutsiwa a re bana ba Lotlhakane East le Kgosi Naledi Ramotswaiso ba ne ba kopana mme ba tswa ka kakanyo ya go direla Rre Searobi moletlo wa tsamaya sentle ka 2016 a sena go tlogela tiro ka bogodi. O ne a tlhalosa fa maikaelelo a moletlo o, e le go mo lebogela dingwaga tse di masome a mararo le bobedi a ntse a eteletse motse wa bone pele ka lorato le bopelotelele go tsweng ka 1988. A re go ne go se motlhofo go rulaganyetsa moletlo o ka ba ne ba tsena ntlo le ntlwana go kopa dithuso gore tiro e e tle e atlege mme ba rotloeditswe segolo bogolo ke ba sekole se segolwane sa ABM. Rre Mohutsiwa o ne a rotloetsa banni go tswelela ba tlotla kgosi, a tlatsa ka go re fa kgosi e dule mo setilong o ntse o fiwa tlotla ka e a bo e ntse e le kgosi, a supa fa Rre Searobi e le sesigo se ba ka anyang tsamaiso le botlhale mo go sone. Fa a tswa la gagwe, modiri ka ene Rre Molatlhiwa Ramashana o ne a re Kgosi Searobi o dirile ditlhabolo di tshwana le dikole, mogotlha o o kwa Metsimatale, kabo ya ditsha le go kopela dikereke ditsha a di ntsha mo go obameleleng mo malwapeng. A re Kgosi Searobi ke motho yo o neng a itse go gakolola Setshaba a ba kaela tsela e e siameng, ka jalo a kopa morafe go kopa dikgakololo kwa go ene gore motse o tswelele pele. Fa a latlhela la gagwe, Kgosi Searobi o lebogile morafe go menagane go bo ba ne ba bona go tshwanela go mo direla moletlo wa tsamaya sentle morago ga go tlogela tiro ka bogodi, a bolela fa go etelela setshaba pele go se motlhofo, go batla motho a ititeile sehuba, a le lorato le bopelotelele. A re komiti ya ditlhabololo tsa motse e botlhokwa ka e thusa go lere ditlhabololo mo motseng. A re fa o le Kgosi o tshwanetse wa bereka nayo go tlhabolola motse. O ne a tlhalosa fa mo nakong ya gagwe ya puso a lerile ditlhabololo ka mefuta mo motseng jaaka go buelela madirelo le dikole tse di neng di sena ditsha gore di bewe ka fa molaong mme a tlogela tiro jaana a beile le sekole se segolwane sa ABM setsha mo Lotlhakane East. society 9 Palapye o amilwe ke bogodu jwa leruo Ramapodise a Botswana, Rre Keabetswe Makgophe a re kgaolo ya Palapye ke yone e di gogang kwa pele ka dikgang tsa bogodu jwa leruo. Fa a bua kwa pulo semmusong ya diofisi tsa sepodisi kwa Palapye ka mafelo a beke, Rre Makgophe a re, bogodu jwa leruo bo godile ka borataro mo lesomeng mme Palapye le Tswapong di supa fa di amilwe thata ke bogodu jo, go feta mafelo a mangwe. A re, setshaba se nale seabe ka se dira tiro ya sepodisi bokete ka go pega dikgang tsa borukutlhi mme morago ba di tsholole ba sena go buisanya le babelaelwa ka fa thoko. O kgalemile se, a tlhalosa fa sepodise se tsere tshwetso ya gore dikgang tsa bogodu jwa leruo di seka tsa tshololwa. Rre Makgophe a re, melato e tshwana le dipolaano, go thubiwa ga matlo le go amoga batho dithoto, e a tshwenya mme a itumelela fa mapodisi a kgonne go fokotsa melato e ka lesome le botlhano mo lekgolong, a re se, se supa fa ba fetile seelo se ba neng ba se ipeetse. O tsweletse a re, motse wa Palapye ke makgatlhanela-thapong mme borukutlhi jwa teng bo godile fela thata, ka jalo maikaelelo a go tsisa diofisi tse disha tsa sepodisi mo Palapye ke go tsisa ditirelo tsa maemo a a kwa godimo, le gore go nne le sephiri le lefelo le mapodisi a ka tlhotlhomisetsang mo go lone. A re, le fa go ntse jalo ,diofisi tsa sepodise di ne di sa jese diwelang ka di ne di le dinnye ka palo, ka jalo go sena sephiri fa gare ba mapodise le setshaba. A re, kgaolo ya borwa legare, e go welang kgaolo ya Palapye mo go yone,e ntse e rwele bokete ba dikgang tsa borukutlhi mme go supa fa e rwele masome a matlhano mo lekgolong a dikgang tsa borukutlhi. Rre Makgophe a re, ele ba sepodisi ba bone go le botlhokwa go dira kgaolo e ntsha ya sepodisi e e bidiwang bokone legare mme diofisi tsa teng di le mo Palapye. A re, kgaolo e, e tla lebagana le dikgang tsa borukutlhi go tswa Dibete go ema kwa Boteti, go fokotsa morwalo wa dikgaolo tse di ntseng di le teng. Fa a tswa la gagwe, kgosi ya motse wa Palapye Rre Masego Olebile, o tlhalositse fa bogosi ba Palapye le banni, ba le motlotlo go bo go ilwe ga kgethiwa Palapye go tshegetsa diofisi tsa sebopego se. Mme o kopile Mothusa Tautona Dr Ponatshego Kedikilwe go mo isetsa molaetsa mo boemong jwa banni ba Palapye gore, ba kopa lefelo le baka kgobokanyetsang banana teng gore ba ba ntshe mo mebileng. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti e e neng e baakanyetsa tiro e ,Rre Goloswang Ramogala a re, komiti ya gagwe e dirile ka natla ntswa e ne e filwe nako e nnye. A re, setshaba le ba dikgwebo ba ile ba tsiboga go supa fa ba ne ba nyoretswe go bulwa ga diofisi tse. O tlhalositse gore go ne go kgobokantswe P72 000 a dimpho, mo godimo ga dimpho tsa dijo. Dikago tse disha tsa mapodisi a Palapye di ne di bulwa semmuso ke Mothusa Tautona Dr Ponatshego Kedikilwe. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Badiragatsi ba gakololwa go ikela tlhoko Mogolwane wa tsa mananeo mo lephateng la banana, metshameko le ngwao, Rre Kagiso Makoba o gakolotse badiragatsi go ikela tlhoko mo bathong bangwe ba a reng ba ka ba ja ntsoma. Kgakololo e e tla morago ga gore BOPA e tsee loeto go lekola moletsi wa setinkane, Mme Kemoitsesemang Makasu wa kgotla ya Metsiaela kwa Letlhakane. Selelo sa ga Mme Makasu ya nna gore o tshelela mo lehumeng le ntswa a solofeditswe magodimo mo loetong lwa gagwe lwa go ya go diragatsa kwa Sweden ka 2012. Mme Makasu o tlhalosa fa a tsere malatsi a le lesome le botlhano kwa lefatsheng leo mme a diragatsa mo dikoleng le mo mafelong a itloso bodutu. Go ya ka Mme Makasu yoo dingwaga tse di masome matlhano le bongwe e bile a sa itse go bala le go kwala, mo loetong la gagwe le borre bangwe ditumalano tse di neng di dirwa ka molomo ene ya nna gore o tlaa agelwa ntlo. Go fetile dingwaga tse tharo mme Mme Makasu o tlhalosa fa a ise a agelwe ntlo le fa e le go bona dikatso dipe. Fa a tswa la gagwe, Rre Makoba a tlhalosa fa Mme Makasu a begetse ofisi ya gagwe kgang e bosheng mme ba simolotse go dira ditlhotlhomiso. A re sebe sa phiri ke gore ofisi ya gagwe e ne e sa itse sepe ka loeto lwa ga Mme Makasu. O gakolotse badiragatsi botlhe go bala le go saena konteraka pele ga ba ka diragatsa gope fela. Rre Makoba o ne a tlhalosa gore ofisi ya gagwe e butse dikgoro gore badiragatsi ba ba sa itseng go bala le go kwala jaaka Mme Makasu ba tsise konteraka kwa go bone ba ba thuse go ba e tlhalosetsa. Rre Makoba a re ba atle ba tshware thutopuisanyo le badiragatsi mo kgaolong ya Boteti go ba tsibosa ka dikgang di tshwana le ya ga Mme Makasu mme fela o tlhalosa gore monongwaga ga ba ise ba tshware dithuto tsa mofuta o. arts_culture_entertainment_and_media 0 Lekgotla la ditlhopho le semeletse Mogolwane wa lekgotla la tsamaiso ditlhopho wa kgaolo-potlana ya Palapye, Rre Molathegi Baloi o lekodisitse maloko a komiti ya tsamaiso ditlhopho e e bopilweng ka diphathi tsa sepolotioki le makalana a puso a a farologanyeng ka ikwadisetso ditlhopho tsa setshaba tsa 2019. E rile a lekodisa komiti eo a tlhalosa fa go ya go simololwa ikwadiso ngwaga o o tlang Lwetse e thola malatsi a le mararo go ya kwa go Ngwanaatsele a le lesome le bongwe 2018. O ne a supa fa lebaka la go kwadisa le ya go nna le leele ka go sena go nna le kwadiso ya poelelo, mme a re malatsi otlhe a kgwedi go balelwa le mafelo a beke a ya go dirisiwa go kwadisa. A re go nna teng ga maloko a komiti eo go botlhokwa ka ke bone ba ka tswang ka megopolo ya go tokafatsa seemo le go isa molaetsa kwa batlhophing. A re megopolo le dikakanyo tsa bone e le komiti di ka ba direla tiro motlhofo e le ba ofisi ya ditlhapho le gone gore batho ba ba utlwa botoka go na le bone. O ne a supa fa ba ya go dirisa banana ba ba se ng mo ditirong ba dirile mophato wa botlhano fela jaaka go ne ga dirwa ka kwadiso ya ditlhopho tse di fetileng. O ne gape a supa fa ba ya go thapa le bagolwane ba ba tlaa etelelang bana bao go ba kaela le go ba thusa fa batlhaelang kitso teng, lentswa batlaa bo barutuntshitswe. Rre Baloi o ne a supa mathata a ba kopanang le one a boitseme jwa banana, go latlhelela tiro le go iphetisa dino fa basena go neelwe dikatso tsa bone mo go felelang go ama tiro ya bone, le gone gore gosantse gona le boitseme jo bontsi ka nako ya ikwadiso batho ga basathole baikwadisa ka dipalo tse disolofetsweng, mme a kopa ba di phathi tsa sepolotiki go bathusa ka gokgotlhatsa batho go ikwadisa ka dipalo tse di kwa godimo fa ikwadiso e simologa. Rre Baloi o ne gape a re go filwe mokwaledi wa lekgotla leo boikarabelo ja gorurufatsa gore ditumelano di dirwa ka mokwalo la bao ba bayang gotlhapiwa, goitsa ketsaetsego e e kannang teng morago ga phiro. Rre Baloi one gape a lekodisa maloko ka diphetoga mo melawananeg le ditemaneng dingwa tsa ditlhopho ,golebeletswe dikotlhao tse motho aka di othaiwang fa a ka tola molao wa tsamaiso ya ditlhopho, bontsi ja diphetogo bo supile fa go godisitswe dikotlhalo tsa dituelo gomenaganya seo ele gone goleka gore batho badire tse ditshwanetseng gore Kagiso le thitibalo ya lefatshe leno e akolwe ke botlhe ka kgololesego ba sa kgopakgopediwe ke sepe, e bile basireleditswe ke molao. Maloko a ne a dumelana le mogolwane wa lekgotla la ditlhopho mme ba re bana barutuntshiwe, le gone gore ba ba setseng ba le mo mananeong a mangwe a puso jaaka tirelo setshaba ba seka ba thapiwa gape mo go kwadiseng ditlhopho jaaka gone ga diragala ka ikwadiso ditlhopho tse di fetileng. Bangwe ba ne ba re bana ba duelwe bontlha bongwe jwa madi pele ga ba simolola tiro gore ba kgone go reka dijo le melora. Ba ne gape ba re go tsenngwe leitlho mo baneng ba ba thapiwang gore boitshwaro jwa bone ke jo bo letlelesegang ka nako tsa dithutuntsho. Fa a araba, Rre Baloi o ne a re go duelela banana kwa pele go ka tsenya lekgotla mo mathateng, ka bangwe ba ka nna ba seka b anna teng morago ga go duelwa, mme seo e nne boikarabelo jwa gagwe gore madi a puso o a tsaya kae, gape ke bodiredi jwa nakwana. Ends politics 7 Kgosiemang o latlhegetswe ke kgang ya lefatshe Rre Clement Kgosiemang, yo o ntseng a gogagogana le banni ba kgaolwana ya ga Ratlhomelang kwa Molepolole ka setsha sa mabitla a kgaolwana eo, o latlhegetswe ke kgang gape morago ga gore lekgotla la kabo ditsha la Kweneng le mo laele go suta mo lefelong leo gore VDC e kgone go se dirisetsa ditiro tsa morafe. Mo boemong jwa lekgotla la kabo ditsha, modula setilo Rre Moemedi Babitseng a re tshekatsheko ya bone ga e a bona gope fa go supang fa Rre Kgosiemang a amanang teng le lefatshe la mabitla a kgotla ya ga Ratlhomelang a a ntseng a a tlhalosa fa ele a gagwe. Lekgotla le laetse Rre Kgosiemang go sutela khansele mo mabitleng ka go thatholola terata e a ageletseng ka yone mo sebakeng sa kgwedi a dirisa ditshenyegelo tsa gagwe, gore morafe o tle o simolole go dirisa lefatshe leo go boloka baswi ka e bile mabitla a Masu-a-Ditshwene a ka nna a tswalwa ka a setse a tletse. E ne e rile go le pele, mmueledi wa khansele, Rre Yamikani Patson a supa fa se Rre Kgosiemang a neng a leka go se dira ene ele go bopa kgomo ya mmopa ka gone go sena bosupi bope jo bo mo amanyang ka gope le setsha sa mabitla a morafe o beilweng mo go sone le gone go tlhalosa fa basupi ba a reng o rekile lefatshe mo go bone ba latotse fa go ise go ke gonne le masimo ape mo lefelong le a reng o rekile lefatshe mo go lone. Le fa gontse jalo, mo bosuping jo bo neng jwa rolelwa lekgotla la kabo ditsha ke basupi ba neng ba biditswe ke khansele ba akaretsa Rre Lesang Setimela yo eleng raditogamaano tsa lefatshe mo khanseleng ya Mokwena, ba dumela fa Rre Kgosiemang a iphetlhela komiti ya ditlhabololo ya kgaolwana eo ka go supa fa lefatshe leo le ise le ke le abelwe tiriso epe ntle le mabitla ka 1983. Mmueledi Patson o kopile gore Rre Kgosiemang a amogwe lefatshe lotlhe la kgaolo ya ga Ratlhomelang le go supegang le tsene mo diatleng tsa gagwe ka tsietso le go wetsa ka go thuba ntlo ya gagwe ya bonno e e kwa ntle ga masimo a mabedi a a reng o a rekile mo go Rre Kgopolo Thipe le Kakanyo Monnaemang ka jaana ele maipaafela. Le fa gontse jalo, Rre Kgosiemang le ene one a sa bonye ka go supa fa lefatshe leo ele la gagwe a le rekile mo go Rre Thipe yo a sa tlholeng a le botshelong, a re gore mosadi wa gagwe abo a sa itse ka tshimo e bile a sa rerisiwa ka thekiso ya lone go ka se mo rontshe tshwanelo ya lefatshe le eleng la gagwe. Rre Kgosiemang a re o ngongoregile lantlha ka setsha seo ka 2010 mo a neng a ikuela kwa kgotleng ya ga mmakaseterata gore komiti ya kgaolwana ya ga Ratlhomelang e mo tswele ka kgoro, ka taelo e e neng ya ntshiwa ke Mmakaseterata William Modise gore ba VDC ba emise ditlhabololo dipe mo lefelong leo pele kgang e ka rarabololwa. Mmueledi wa ga Rre Kgosiemang, Rre Bugalo Maripe, o supile fa lekgotla le tla a bo le ikgatholosa nnete fa le ka seke la ela tlhoko ntlha ya botlhokwa ya gore khansele e iphetlhela Rre Kgosiemang ka jaana ngongorego ya bone e ganetsana le se se mo mokwalong ka lefelo le tota setsha sa mabitla a VDC se beilweng teng. E re ntswa tshwetso e raya gore morafe o ka tswelela le tiriso ya mabitla, seo se ka nna sa seka sa nna motlhofo fa moiphemedi a ka supa maikaelelo a go ikuela kgatlhanong le tshwetso ya lekgotla. E re ntswa Rre Patson a sa ganetsa gore boikuelo bo ka ba bofelela matsogo ka fa morago, o supile fa ba tla a bo ba ka dira kopo ya gore kgang e tsibogelwe go lebilwe gore tiriso ya mabitla e a tlhokega. E ne e rile gole pele, Rre Kgosiemang a latlhegelwa ke kgang e mo go yone a neng a isitse batho bangwe ba kgotla ya ga Ratlhomelang ba le 22 fa pele ga ga mmakaseterata wa Molepolole Rre Bhekimpilo Sibanda ka magatwe a gore ba ne ba mo tshosetsa le go mo tlhapatsa gongwe le gongwe fa ba mmonang teng, ka gone gotwe ga a na bosupi. politics 7 Maduo a a bonala Mme Koketso Baitse wa dingwaga tse di masome a mane le boraro wa kgotla ya Mmamokhasi mo Kanye a re o setse a bona maduo a a nametsang a kgwebo ya gagwe ya kapei e a e filweng ka lenanaeo la nyeletso lehuma ke ba ofisi ya boipelego. Mo potsolosong le BOPA bosheng, mme Baitse a re o filwe lenaneo le ka kgwedi ya Phalane e ya fifing monongwaga, a sena lobaka lope a ikwadisitse go ikopela lenaneo le. O boletse gore o kgonne go reka setofo sa gase le ditafole, gareng ga tse digwe. O tlhalositse gore ga a thusiwa ka madi fela mme gape o ne a isiwa sekoleng sa kapei a itebagantse le go apaya borotho ka ditselana tse di farologaneng mo lobakeng lwa dibeke tse pedi. Mme Baitse o boletse gore mo mefuteng yotlhe ya go apaa borotho e ne o ne a feta a itebaganya le go apaa dibisikitse ka gore o itemogetse fa borotho bo le bontsi mo mmarakeng jaaka dilofo gona le dibisikitsi. A re go motlhofo go di rekisa go na le borotho jo bongwe ka gore le batho fela mo tseleng ba kgona go reka ba di ja ba ntse ba tsamaya. O boletse fa mo kgwebong e ya gagwe a bona dipoelo tse di kgotsofatsang letsatsi le letsatsi, ebile a kgona go tshetsa ba lelwapa la gagwe, ebile maikaelelo a gagwe e le go boloka bontlha bongwe jwa madi a a a bonang gore a tle a kgone go gokela motlakase mo ntlong ya gagwe. O tsweletse a tlhalosa gore o batla gore mo dingwageng tse pedi a bo a setse a ikagetse ntlo ya boapeelo, ka e le nngwe ya tse di tlhokegang gore e nne moapei wa popota a kgone go thapiwa ke ba khansele go apeela dikole. economy_business_and_finance 3 Bodiredi bo a tlhaela kwa Morwamosu Banni ba motse wa Morwamosu kwa kgaolong ya Jwaneng-Mabutsane ba boleletse mopalamente wa bone, Rre Shawn Ntlhaile, fa motse wa bone ona le kgwetlho e tona ya tlhaelo ya bodiredi jwa sepodisi. E rile ba bua kwa phuthegong ya kgotla bosheng, ba tlhalosa fa ba sa akole ditlamelo tsa puso ka botlalo ka jaana bodiredi bo tlhaela. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Russian Gakeolope, o boletse fa mo nakong e e fetileng ba ne ba na le mapodise a le mararo, mme mo bogompienong ba setse ka ba le babedi. A re ere ka jaana motse o tsweletse ka go gola le borukutlhi bo oketsega, ba tlhoka mapodise a mangwe a mabedi a maemo a constable le special constable. A re seemo se ga se jese diwelang ka jaana mapodise a a leng teng a imelwa ke tiro, mme dirukutlhi di felele di itirela boithatelo. Mongwe wa banni ba motse oo Rre Nkong Tawana le ene o ne a bua a sa kgwe mathe ka go gola ga borukutlhi jo bo bakiwang ke tlhaelo ya mapodise. Le fa go ntse jalo, o supile fa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone ele morafe mo gongwe go dirwa ke boitseme jwa sepodise. A re ere ntswa ba amogela gore go na le dikgwetlho di tshwana le go tlhaela ga dikoloi le tse dingwe, mapodise le one a setse a bone maikgotlho a go tlhoka go thusa setshaba mo go kgotsofatsang. O boletse fa seemo sa go nna jaana se le borai ka jaana batho bangwe ba feletsa ba itseetse molao mo diatleng ka ntata ya tiego ya dithuso tsa sepodise. Erile a tsibogela dikgang tse, Inspector Kumbani Machaya a kopa morafe gore o seka wa itsapela go bega dikgang kwa mapodiseng ka jaana ele tiro ya bone go sireletsa setshaba. A re ka go tlhoka lesego dikgang tsa boitseme ga di nke di goroga kwa diofising tsa bone gore ba tsenye kgalemo. Mo go ya tlhaelo ya bodiredi, o tlhalositse fa sepodise se na le kgwetlho e kgolo ya tlhaelo ya boroko. A re pele ga maphata a sepodise a kopana, mapodise a kgotla ane a fiwa matlo ke ba kgotla, mme jaanong seemo se fetogile fa go nyelediwa sepodise sa kgotla. A re seemo se se a ba thatafalela ka gore le fa b aka oketsa palo ya mapodise a Morwamosu kgwetlho kgolo e ntse e ya go nna ya boroko. O ba kopile gore ba tswelele ba ntse ba bega dikgang tsa bone ka botlalo kwa sepodiseng fa go santse go akanyediwa dikgang tsa boroko. BOKHUTLO politics 7 Kwa Kgalagadi ba ipela ka dijo tsa tlholego E re le ntswa batho ba kgaolo ya Kgalagadi e le merafe e e tlotlegileng thata ka go tsoma go tswa goo lowe, go santse gole gontsi mo go sa itsiweng ka morafe oo. E rile mo potsolotsong bosheng , mongwe yo o tsholetsweng, a golela a bo a nyalelwa mo kgaolong eo, Mme Goitsemang Tsietso a tlhalosa fa batho ba Kgalagadi ba rata dijo tsa bone tsa setso fela thata. Go ya ka Mme Tsietso, kgaolo ya Kgalagadi e humile dijo tsa tlholego jaaka mahupu, mesumo, motsotsojane, borekhu, sengana le tse dingwe. Mme Tsietso a re, mahupu ke dikungwa tse di bonalang ka dinako tsa mariga morago ga dipaka tsa pula tse di namagadi. A re ka ditebego a tshwana le ditapole, a runya kwa tlase ga mmu, a itshupe ka go phanyega ga mmu gore a setse a tiile. O tsweletse a tlhalosa fa mahupa a apewa fela jaaka ditapole, a ka besiwa mo thureng ya molelo kana a apewa ka metsi a tsentswe letswai go a natefisa fa a jewa. Mme Tsietso a re, mahupu ga se one fela dijo tse batho ba Kgalagadi ba itsegeng ka go di ja, a re, ba itsege ka go dira kofi e e monate ya motlopi. A re gona le batho bale bantsi ba ba itshetsang ka go dira kofi eo. O tsweletse ka go supa fa go tlhokega motho yo o nang le boitseanape fa go tla mo go tlhopheng motlopi o o monate go dira kofi. A re go dirisiwa midi ya one mme go tlhopiwa o o seng botlhoko. A re medi ya setlhare sa motlhopi e a epiwa, e bo e obolwa letlalo le le kwa ntle mme go tsweng foo e omisiwe. O tsweletse ka go tlhalosa fa e tla re morago ga go oma, e silwe mme go tsweng foo e gadikiwe go tlhakantswe le sukuri gore o kgone go tshwaragana. O kaile gape gore fa o tla itshupa gore o siame ke go fetoga ga mmala go nna montsho, morago o silwe o bo o siametse go nowa. O kaya motlopi o le monate fela thata go gaisa dikofi tse dingwe tse di fitlhelwang mo marekisetsong. O boletse fa batho ba ba nang le ditlamelo tse di rileng, ba ka dira dikgwebo ka motlopi mme wa ba tsisetsa dipoelo tse di bonalang.O tsweletse a supa fa kofi ya motlopi e sena metswako epe e e sa siamelang botsogo jwa motho, ka jalo a re puso e tshwanetse go rotloetsa batho go nwa mofuta oo wa kofi. Go ya ka Mme Tsietso batho ba Kgalagadi ba tlotlile go ja gape le dithotse. A re ga go jewe dithotse tsa lerotse lengwe le lengwe, a supa fa go jewa tsa lotlho. A re lotlho ke mofuta wa lerotse la dithotse tse di boleta gona le tse dingwe. O tsweletse a re, dithotse di a tlhatswiwa mme di bo di gadikiwe di latlhetswe letswai. A re, di simolola ka go thunya mo pitseng fa di setse di budule. O supile fa dithotse di ka jewa fela di ntse jalo kana di ka silwa tsa tlhakanngwa le moretlwa kana tsa tsenngwa mo legodung. Mme Tsietso a re batho ba kgaolo eo ke batho ba tshela le ka sengana. A re sengana se tshwana fela le phane, mme pharologano ke gore sone se fitlhelwa mo setlhareng sa mongana e bile ga sena mmitlwa. A re fela jaaka phane se a tshwarwa,se bo se omisiwa kana se jewa se sale metsi. O gwetlhile batho go inaakanya le dijo tsa setso ka a re di siametse botsogo jwa bone, gape ga di lope madi ape. A re banni ba kgaolo ya Kgalagadi ba tshwanetse go ipelafatsa ka dijo tsa bone tsa setso fela jaaka merafe e mengwe e tshwana le ya Bakalaka. Bokhutlo health 6 Temo e ka fetola matshelo a batho Modulasetilo wa komiti ya balemi-barui ya Molalatau, Rre Wilwright Malema o kopile banana go nna le seabe mo temo-thuong. Rre Malema o ntshitse kopo e ka letsatsi la go ipelela thobo ya monongwaga kwa Molalatau bosheng. A re banana ba tshwanetse go ema ka dinao go ntsha dijo. Balemi ba Molalatau ba ne ba dirile moletlo wa go ipelela letlhafula monongwaga go leboga thobo le dipula tse di namagadi. Rre Malema a re balemi ka go farologana ba bone thobo e e nametsang. O tlhalositse fa komiti ya bone e itebagantse le go ema balemi nokeng le go tshwaragana le balemisi gore balemi ba dirise methale e e tlhabologileng ya go ntsha dijo. Rre Malema a re ba itlamile go bereke ka thata gore ba ntshe dijo tse di lekaneng gore puso e fokotse dijo tse e di rekang kwa mafatsheng a mangwe. A re tiro e nngwe ya komiti ke go batlela balemi mmaraka ka go ba lomaganya le lekalana la Botswana Agricultural Marketing Board. O kopile balemi go ipopa ditlhopha le go lema dipeo tse di maleba gore ba kgone go bona dipoelo tse di nametsang. Rre Malema o ne gape a tlhalosetsa balemi ka lenaneo la go agelela masimo ka leaneno la ISPAAD, a supa gore fa balemi ba ikgobokantse go nna motlhofo gore masimo a bone a agelelwe. Kgosi Letso Malema wa Molalatau, e bile e le leloko la Ntlo Ya Dikgosi a re ba dirile moletlo oo go lebogela Modimo go ba nesetse dipula tse di namagadi. Kgosi Malema a re mo dingwageng tse dintsi kgaolo ya Bobirwa e ntse e bona dipula tse di boutsana mme balemi ba tswe ba iphotlhere mme a supa fa monongwaga dijo di nnile dintsi. Kgosi wa pele wa Molalatau, Rre Solomon Pharithi ene o supile fa go ipelela thobo e le selo sa bogologolo, a supa fa modulasetilo wa komiti ya balemi a tswhanetse go etelela letsema pele fa le bolodiwa. BOPA economy_business_and_finance 3 Ba kopilwe go bua ka ditlhabololo Batswana ba kopilwe gore ba seka ba lebelela matshwenyego thata fa ba baakanyetsa tebelopele ya 2036, mme ba bue thata ka ditlhabololo. Go kopile jalo Kgosi Mothusi Tsetse wa Otse mo kgaolong ya Borwa Botlhaba fa a amogela batsena phuthego ya lekoko la 2036 bosheng. Kgosi Tsetse o supile fa tebelopele ya setshaba ya 2016 e fela ngwaga o o tlang, ke ka moo Tautona a ntshitseng lekoko go baakanyetsa tebelopele ya 2036, gore Batswana ba ntshe megopolo gore ba eletsa gore lefatshe le bo le ntse jang ka ngwaga oo. Mongwe wa lekoko leo, Mme Sarah Dibe o ne a supa fa ba na le dipotso tsa konokono tsa bo gore; Batswana ba eletsa go aga Botswana yo o ntseng jang ka 2036; ba eletsa Motswana e bo e le motho yo o ntseng jang le gore, gore ba kgonne ditoro tsa bone, go tshwanetse ga dirwa eng, ke mang? E rile ba tswa la bone, Balete ba supa fa ba eletsa gore lefatshe leno le bo le se na borukutlhi. Ba supile fa gape ba eletsa gore puso e itebaganye le lehuma la tlala le la tlhaloganyo, bogolo segolo mo bathong ba ba thusiwang ke puso ka dijo. Ba kopile gape gore puso e netefatse gore mananeo a a leng teng a a diragadiwa. Ba supile fa gape ba kopa puso go oketsa dikatso tsa badiragatsi, bogolo thata ba ba dirang ka ditlhopha, ka jaana dikatso tseo di sa ba solegele molemo, ka jaana ba tshwanetse go di kgaogana le go di dirisa mo mesepeleng. Ba supile fa gape ba batla gore puso e bo e ithotse ditiro tse dingwe e di neetse Batswana, ba bo ba kopa gore ngwao e seka ya nyelela sekgoa se se buiwang mo thelebishining ya Botswana se fokotsege thata, mme go dirisiwe Setswana se se tlhapileng ga mmogo le mo pampiring ya DailyNews. Ba kopile gore sephatlo sa pampiri ya DailyNews go kwalwe dikgang tsa Setswana e bile e le tsa lefatshe leno gore ba ba sa itseng sekgoa ba kgone go ipalela dikgang tsa Setswana. Ba kopile gape gore thelebishene e kgaoganngwe, go nne le e e itebagantseng le bodiragatsi fela, ka jaana e e teng e sa kgone go tsenya dilo tsotlhe. Ba kopile gore thuto ya Botswana e nne le mosola mo bathong, le gone gore batsadi ba nne le seabe se setona mo thutong ya bana. Ba kopile gore puso e tsenye leitlho mo bathong ba ba tlhokafaletsweng ke ba masika, ka jaana ba dirisa madimadi mo dintshong, mme se se felele se ba okeletsa lehuma. Ba kopile gape gore bomme ba itsee tsia mo go tsa sepolotiki, ba supa fa bomme ba na le go ikgogona go emela setshaba mme ba na le bokgoni. Ba supile gape fa ba eletsa gore Batswana ba bo ba le tshaba e e itirelang, ba ijesa, ba tshephana, ba tshwaragane e bile ba fokoditse go tlhapatsana ka go se na mosola. Ba boletse gape fa ba eletsa gore magosi ba seka ba emela maemo a sepolotiki ka jaana a ba diga seriti le go kgaoganya morafe, mme se se ka kgonega fa puso e ka ba okeletsa dithata. BOKHUTLO politics 7 A re lwantsheng borukhutli - kgosi Moemela Kgosi-kgolo wa bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Mokhutshwane Sekgoma, a re ke maikarabelo a Motswana mongwe le mongwe go lwantsha borukutlhi. O buile mafoko a ka Labobedi kwa kgotleng kgolo ya ga Mmangwato mo phuthegong ya makalana a itshireletso a akaretsa mapodise, masole, dikompone tsa badisa-dikago le mapodise a a thapilweng ga nakwana; ka nako ya fa a ne a ba ema ka lefoko jaaka ba ipaakanyetsa go sireletsa Batswana le dithoto tsa bone mo malatsing a botsalo jwa Morena le ngwaga o mosha. A re ke ka yone nako e e ba tshwanetseng go supa maitlamo mo tirong ya bone gore ba tle ba kgone go fitlhelela tsotlhe tse ba di ikanetseng. Kgosi Sekgoma o gakolotse badiragatsi bao ba molao gore ba tshwanetse go itse gore ba bereka ka nako tsotlhe le fa ba sa apara paka ya tiro tota, mme a re go mo maruding a bone gore ba netefatse gore Serowe o nna phepha e bile go nna le kagiso. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa mapodise a District No. 2, Rre Frankel Mohutsiwa, a re jaaka malatsi a boitapoloso a simolotse jaana, ba itlama go bereka ba tshwaragane le makalana otlhe a a diragatsang molao.O solofeditse Kgosi Sekgoma gore ba itlamile go netefatsa gore ba gaMmangwato ba tlaabo ba babalesegile le dithoto tsa bone. Rre Mohutsiwa a re ba tla netefatsa gore melao ya lefatshe la Botswana e a obamelwa, e bile ba tla phuruphutsha ba ba tseneng mo lefatsheng leno e se ka fa molaong le gone go netefatsa gore madirelo a bojalwa a obamela dinako tse di beilweng. O boletse fa a leboga puso gobo e dirile melao e e laolang thekiso ya bojalwa, bogolo jang jwa Setswana, ka a re ba ne ba tsenyega dingalo ka go tlhoka go obamela dinako tsa thekiso ga batho ba ba rekisetsang mo malwapeng. A re le mapodise a a itebagantseng le bogodu jwa leruo a tlaabo a tsamaya kwa merakeng ya kgaolo ya Serowe go netefatsa gore diruiwa tsa batho di sireletsegile. O ne a wela ka gore setshaba se tshwanetse go itumelela malatsi a a boitapoloso ka boikarabelo e bile ba sa gasegase matlakala. crime_law_and_justice 1 Lephata le itebaganya le mathata a bana E ne ya re bosheng lephata la boipelego la tshwara phuthego ya kgotla kwa Lerala e maikaelelo a yone e neng e le go buisana le batsadi ka seemo sa go ima le go dirisiwa botlhaswa ga bana. Phuthego e tla jaana morago ga gore lephata la boipelego le nne le thutopuisano le batlhokomedi ba bana ba masiela ka tlhokomelo le dikgwetlho tse bana bao ba kopanang le tsone. Fa a bua kwa phuthegong eo, mothusa kgosi wa Lerala, Kgosi Ookeditse Shaw o ne a kopa batsadi go nna le seabe se se bonalang mo go tshwaraganeleng bana le maphata a a lebaneng. Dipego go tswa kwa go ba botsogo, mapodise le barutabana ba dithuto tsa bogakolodi kwa phuthegong eo di ne di supa fa boimana jwa bana ba ba dingwaga tse di kwa tlatse ga lesome le boferabobedi go tloga ka ngwaga wa 2010 go ya kwa go wa 2015 di ile magoletsa e bile dingwe tsa tsone di sa begwa kwa mapodising. Di supile gape fa batsadi ba sa tsibogele dikgang tsa go ima le go dirisiwa botlhaswa ga bana ka go tlhoka go tsaya boikarabelo jwa go diragatsa molao. Raboipelego, Rre Teme Molefe o ne a bolela fa motsadi yo o nang le ngwana yo o dirisitsweng botlhaswa a bo a bipa mpa ka mabele a le molato. O kopile batsadi gore ba diragatse molao wa go sireletsa bana ka go begela mapodise ka go dirisiwa botlhaswa ga bana. Fa a latlhela la gagwe, mokhanselara wa Lerala bophirima, Rre Gabagopolwe Sebele o ne a rotloetsa badirelapuso go nna le seabe mo tshireletsong ya bana. Rre Sebele a re ke tshwanelo gore go latedisiwe dikgang tse tsotlhe tsa go ima ga bana ba dingwaga tse di kwa tlase. O kopile makawana go ikgapha mo dikgannyeng tsa go tlhakanela dikobo le bana ba bannye. A re borre le bone ba tshwanelwa ke go sireletsa bana society 9 Dithuto tsa go suga bananyana di a simololwa Banni ba metse ya Kedia le Mokobaxane ba itsisitswe gore lephata la thuto le tlaa simolola dithuto tsa go suga bana ba dingwaga tse tlhano le sephatlo mo dikoleng tse dipotlana, go ba baakanyetsa go ya go simolola lekwalo la ntlha. Motlhatlhobi wa dikole kwa kgaolong potlano ya Boteti, Mme Agnes Babili a re lenaneo le le tlaa simolola mo dikoleng tse di nang le matlwana a borutelo a a sa dirisiweng. Le ga le o supile gore komiti ya ditlhabololo tsa motse le yone e ka thusa fa e na le dikago tse di sa dirisiwang. Le fa go ntse jalo, Mme Babili o tlhalositse gore maiteko a go suga bana ba ba yang go bala lekwalo la ntlha a tsweletse le gore ikwadiso e setse e simolotse. O supile gore bana ba ba tlaa dirang lekwalo la ntlha mo ngwageng o o tlang ba dira tonto tshipidi dikgwedi tse tharo tsa bofelo jwa ngwaga, fa ba lekwalo la bosupa ba sena go kwala ditlhatlhobo. O buile se mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di tshwerwe ke maphata ka go farologana, a supa fa mo nakong eno, dikole ka bontsi kwa Boteti di tlhaelelwa ke matlwana a borutelo, e bile ba bana bangwe ba rutelwa ka fa tlase ga ditlhare. Mme Babili a re tiro ya go tlhatlhoba dikole ke go tlhomamisa gore bana ba rutwa sentle go dirisiwa lenaneo la thuto le le tlhomamisitsweng, le gore ba rutelwa mo lefelong le le phepa, le na le ditlamelo tse di lekaneng. Bokhutlo education 4 Batlhokomedi bagwetlhiwa go nna pelonomi Modulasetilo wa khansele potlana ya Hukuntsi, Mme Kebaneilwe Mmesetse, o gwetlhile batlhokomedi ba bana ba masiela go nna pelonomi gore bana bao ba kgone go tswelela pele le botshelo. O buile se bosheng fa a ne a simolodisa semmuso thuto puisanyo ya malatsi a mararo ya batlhokomedi ba bana ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi. Mme Mmesetse o ne a supa fa leso e le selo se se botlhoko, mme bana ba retelelwa ke go amogela seemo se. O ne a tlhalosa fa puso e tsere tshwetso ya go tlhokomela bana ba masiela, e le tsela nngwe ya go thusa go ba apola kobo ya bosiela gore ba seka ba salela kwa morago mo botshelong. Ka jalo, o ne a gwetlha batlhokomedi ba bana le ba tsaya-karolo ka kakaretso go tshwaraganela tiro ya kgodiso ya masiela le mmuso. Mme Mmesetse o supile fa kwa kgaolong ya Kgalagadi Bokone go na le dikgwetlho tse di amang bana ba jaaka go dirisiwa botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo, go itlhokomolosiwa ke ba masika, dititeo tse di feteletseng, go amogwa dithoto tsa boswa le go gatelelwa ke maikutlo. O ne a gwetlha batlhokomedi le batsaya-karolo go tsaya boikarabelo mo go thuseng puso go babalela serodumo sa tshaba e e nang le boikarabelo mo isagong. Mme Mmesetse o ne a supa gape fa kgaolo eo e le nngwe ya dikgaolo tse di aperetsweng ke lehuma le maduo a baithuti aa sa nametseng, mme a re dipatlisiso di supa fa bana ba masiela ba ba tswang mo malwapeng aa dikobo dikhutshwane ba tshabelelwa ke go sa dire sentle mo dithutong tsa bone. A re se se itshupile mo maduong a lekwalo la bosupa a ngogola, jaaka go ne go kwadisitswe bana ba masiela ba le masome a mabedi le bofera bobedi, mme mo palong eo, bana ba le bane ba ne ba bona maemo a botlhano (E), ba le supa ba bona maemo a bone (D), fa ba le bofera bobedi ba bone maemo a boraro(C). A re seemo se, ga se jese diwelang, ka jalo setshaba se tshwanetse go tshwaragana go thusa go fetola seemo gore ba thusiwe le bone ba kgone go bona matshwao a a nametsang. Go leka go fetola seemo seo, Mme Mmesetse o ne a tlhalosa fa khansele potlana ya Hukuntsi, e tsere boikarabelo jwa go ema nokeng bana ba masiela le batlhokomedi ba bone ka go netefatsa gore ba akola mananeo otlhe. Kgosi Merapelo Tshweneyagae wa Hukuntsi ene o ne a supa fa mo dingwageng tse di fetileng, lefatshe leno le ne la welwa ke seru sa dipalo tsa bana ba masiela ka ntata ya HIV/AIDS le malwetsea mangwe a a sa tshelanweng. Ka jalo, o nea gwetlha batsadi go itlhokomela go babalela matshelo a bone go leka go fokotsa dipalo tsa dikhutsana. Kgosi Tshweneyagae o ne a gwetlha batlhokomedi ba bana ba go nna kelelelo mo kgodisong ya bone, gore ba seka ba ba kgetholola, mme ba ba godise fela jaaka bana ba bone gore le bone ba kgone go amogela seemo sa tatlhegelo. A re thuto puisano ya batlhokomedi ba bana bao le tshidilo maikutlo di tshwanetse go nna di tshwara kgapetsa kgapetsa e le tsela nngwe ya go nonotsha bobedi joo go fokotsa dikgotlhang mo malwapeng. Mmaboipelego, Mme Fancy Matlhodi, o ne a tlhalosa fa tiro eo ele go leka go nonotsha batlhokomedi le go tla go fa pego ya ka fa ba tsamaileng ka teng ka nako e bana ba bone ba neng ba isitswe kwa tshidilo maikutlong. A re dithuto tseo, di tla ba thusa gore ba kgone go amogana le ba bangwe mo tikologong gore ba ikanoke gore pheleletsong ba itse ka fa ba tshwanetseng go godisa bana bao ka teng. society 9 Ba re morero ga o a tsamaya sentle Bakwena bangwe ga ba dumalane le mogopolo wa gore go epiwe lefuti la mantswe a a tsileng go dirisiwa go aga maemelo a dipalamo tsa setshaba kwa masimong a Mantsho. Ba re morero wa go fiwa tetla ga o a tsamaya sentle ka gore khamphani ya Greenforth e tsere mebu ya tekeletso mo tshimong nngwe kwa masimong ao mong yone a sa rerisiwa. Ba ngongoregetse seo bosheng mo phuthegong e e neng e tshwerwe ke ba lephata la tshekatsheko ya go amega ga tikologo, mo patlong maikutlo a morafe mabapi le kepo ya mantswe. E ne ya re bosheng khamphani ya Greenforth e e tsileng go aga maemelo a dipalamo tsa setshaba kwa Molepolole, ya kopa ba khamphani ya Geo Environment Exellence go ba sekasekela lefatshe ba bo ba ba fa tetla ya go epa lekgarapana le mantswe go simolola dikago tsa maemelo a dibese. E rile a rolela morafe kgang e, moitseanape wa di-tswa mmung, Rre Lawrence Masoga, yo o neng a emetse Geo Environment Excellence, a tlhalosa gore e rile ba ntse ba sekaseka, ba fitlhela mmu o ba o batlang kwa masimong a Mantsho, magareng ga Molepolole le Mmanoko. Rre Masoga a re e rile go goroga kwa Mantsho, ba ikopanya le baagi ba ba bapileng le lefelo le mmu o bonweng mo go lone, mme karabo e ba e filweng ya nna gore ga le na mong. O bile a nankola maina a batho ba, ke ka moo ba neng ba ya kwa go ba kabo ditsha go kopa gore ba ba tshegeletse setsha seo fa bone ba sa ntse ba ile go tsaya maikutlo a ba ba amegang. A re, go ne go le maleba gore ba agelele tshimo gore mong wa yone a tle a iponatse pele ga ba kabo ditsha ba ka ba abela lefelo leo kgotsa pele ga khamphani e e agang e ka simolola go epa. O tsweletse ka gore go agelela e ne e se gore ba beilwe setsha, e ne e le go tshegetsa setsha fela, ba emetse go utlwa maikutlo a setshaba ka kgang eo. Moemedi wa Greenforth, Rre Tefo Oabile, o ne a tlhalosetsa morafe gore fa ba sena go epa, go sekasekwa gore lehuti leo jaanong le ka dirisediwa eng, e bile go ka dirwa jang go hema dikotsi tse di ka bakwang ke lefuti leo. Rre Oabile o ne a fa sekai ka gore lefuti leo e ka nna letamo le go nosiwang leruo mo go lone. O tsweletse a tsibosa morafe gore fa khamphani e tlaabo e tsweletse e epa, banni ba ka bona diphatlha tsa ditiro le gore dikoloi tsa bone di ka thapiwa tsa thusa ka go rora mantswe le mmu. Mo godimo ga moo Rre Oabile o ne a tlhalosa gore Rakonteraka o kgona go thusa ka mantswe kgotsa lekgarapana fa mongwe wa banni a tlhoka go a dirisa. Le fa go ntse jalo, Rre Eddie Rantshilo o ne a supa gore golo fa go kailweng ke tshimo ya gagwe ya boswa jwa ga mmaagwe. A re ga a a rerisiwa e bile nkukuagwe o fitlhetswe teng. O kaile gape gore go na le melatswana e e tshelang mo tamong e e fa tshimong ya bone. A botsa gore fa e le gore go a epiwa, go ya go diragala eng ka letamo leo. O ne a fetsa ka gore ga a dumalane le kgang eo. Magosi le borara jotlhe jwa motse, ba ne ba dumalana gore khamphani eo e ikgate motlhala, e ye go dira tsamaiso e e lolameng e bue le botlhe ba ba amegang. Ba re ntswa tlhabololo eo e tsile go fetola matshelo, kgang kgolo ke gore tsamaiso ga e a salwa morago. Ba ne ba ngongoregela le gore Molepolole o dikologilwe ke mahuti a mantsi a go epiwang matlapa mo go one mme a le borai mo leruong le batho e bile a oka dirukutlhi. BOKHUTLO politics 7 Tikolologo e ama botsogo Mogolwane wa lephata la merero ya tsa tikologo , Mme Dollina Malepa o itsisitse baagi ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ka botlhokwa jwa go phepafatsa tikologo ya bone. O buile jalo kwa moletlong wa kabo dimpho ya dikgaisano tsa phepafatso tikologo tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba, kwa motseng wa Tshesebe bosheng. A re go botlhokwa thata gore batho ba tlhokomele tikologo ya bone ka go e phepafatsa le go tlhokomela matlakala, a re go dira jalo go tlaa thusa gore lefatshe leno le fitlhelele matshego a tebelopele ya 2016. A re go tlhokomela matlakala go thusa gore tikologo e se ka ya kgotlelesega mme seo se thuse go tila malwetse ka go farologana. Mme Malepa a re moono o o reng: Tikologo le Lebopo ke Boikarabelo jwa Setshaba’, e gwetlha mongwe le mongwe go nna le seabe sa go phepafatsa tikologo le go latlha mekgwa e e sa siamang ya go tshuba matlakala, go a latlhela mo mekgatsheng le fa thoko ga ditsela gammogo le mo dikgweng. Mme Malepa o gwetlhile morafe go phepafatsa metse ya bone ka dinako tsotlhe, e seng fela ka ntlha ya dikgaisano. O ne a supa gore puso e dirisa didikadike tsa madi mo tlhokomelong ya matlakala, a tlhalosa fa madi ao a ka bo a dirisiwa mo ditlhabololong tse dingwe tse di botlhokwa, ka jalo o ne a supa fa go busetsa matlakala mo tirisong e le tsela nngwe e e ka thibelang gore a gasagasame. Mo boemong jwa mokwaledi wa khansele ya Bokone Botlhaba, Rre Mpho Morapedi, o ne a tlhalosa gore maikaelelo a letsatsi leo ke go sedimosetsa morafe ka botlhokwa jwa go tlhokomela tikologo e ba nnang mo go yone le ka ditlamorago tsa go gasagasa matlakala. Mo dikgaisanong, go ne go tlhatlhobiwa metse, dikokelo le dikole mme metse e ne e tlhatlhobiwa go ya ka e mennye, e e fa gare le e metona. Mo metseng e mennye, maemo a ntlha a tserwe ke motse wa Masingwaneng, maemo a bobedi le a boraro a tserwe ke metse ya Masukwane le Butale ka go latelelena ga yone. Mo metseng e e fa gare, maemo a ntlha a gapilwe ke motse wa Siviya fa a bobedi a gapilwe ke motse wa Jackalas No 1 mme motse wa Tsamaya wa gapa maemo a boraro. Mo metseng e metona, motse wa Matsiloje o tsere maemo a ntlha mme o latelwe ke metse ya Tati Siding le Matshelagabedi mo maemong a bobedi le boraro ka go latelelana. Bokhutlo environment 5 Ba tlaa thusiwa ka lenaneo le le faphegileng Banni ba Bokspits, Rappelspan, Vaalhoek,Struizendam (BORAVAST) ba tlaa thusiwa go lwantsha lehuma ka lenaneo le le faphegileng le le bidiwang BORAVAST Intervention. Se se builwe ke mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Frans Van der Westhuizen fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng kwa Rappelspan. Rre Van der Westhuizen o tlhalositse fa lephata la dikgaolo le ditlhabololo magae le ne la gwetlhwa ke lehuma le le kwa godimo mo metseng ya BORAVAST, le le gakadiwag ke leuba le diemo tsa tlholego tse di ba itsang go lema, mme la bona go le botlhokwa go simolodisa lenaneo le. Mopalamente o ne a tlhalosa fa lenaneo le le abetswe P350 000 a a tlaa kgaoganwang ke metse e mene e. Rre Van der Westhuizen a re se ke sesupo sa gore puso e kgathala ka go tlhabolola matshelo a Batswana. O ne a kopa ba ba tlaa thusiwang ka BORAVAST Intervention go tlhokomela tse ba tlaa thusiwang ka tsone, a kaya fa go tlhoka go tlhokomela go rotloetsa tshenyo le koketsego ya lehuma. Fa a bua ka tse dingwe, mopalamente o ne a itsese banni fa puso e le motlotlo ka pheleletso ya dikago tsa sekole se segolwae sa Tsabong Unified, e bile se kwadisitse bana ba ntlha ba mophato wa botlhano ba ba tlaa kwalang ditlhatlhobo tsa makgaolakgang monongwaga. Godimo ga moo o kaile fa puso e dirile kgokelo ya metsi e e faphegileng e e lopileng P32 million go itsa letlhoko la metsi le le ka kgoreletsang dithuto. O ne a kopa batsadi go rotloetsa bana mo dithutong ka go ba lekola, gape a ba kopa gore ba tlhagise bana ka botlhokwa jwa go tlhokomela dikago tsa sekole, a re fa ba di senya go tlaa bo go bakela puso ditshenyegelo gape go busetsa dithuto kwa morago. Fa a ntsha la gagwe, mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo ya Rapplespan o ne a lela ka seemo sa dikago tsa kokelwana ya motse wa bone a re di makgasa mo e leng gore go baya balwetsi le babereki mo diphatseng. Godimo ga moo, o ne a supa fa go na le letlhoko la koloi ya kokelwana mo kgaolong ya BORAVAST, a tlhalosa gore se se baya balwetsi mo diphatseng tsa go gatelelwa ke bolwetsi ba bo ba feletsa ba tlhokafetse ka gore letlhoko la dikoloi le ba itsa go bona bongaka kwa kokelong ya Tsabong. Rre Matthys o ne a ikuela ka letlhoko la metsi a a nowang le a go nosa leruo, mme a kopa gore ba abelwe sediba sa nomore ya 10922 se se dikhilomithara di tharo kwa botlhaba jwa Rapplespan gore ba nose dihutshane ka ba ikaelela go simolodisa kgwebo ya morafe ya go reka dihutshane ba di otla ba bo ba di rekisa. Moemedi go tswa kwa lephateng la botsogo, Mme Chisila Tumedi o ne a tlhalosa fa bontsi jwa dikoloi bo senyegile. A re go tlhoka go baakanya dikago tsa kokelwana go bakwa ke letlhoko la madi. Le fa go ntse jalo, Mme Tumedi o ne a tshepisa banni fa mathata a tlaa tsibogelwa a bo a rarabololwa ka gonne ngwaga o mosha wa madi o simologile, ba tlaa dirisa madi a ba a abetsweng go lwantsha diemo tse. health 6 Batswana ba kopiwa go nna seopo sengwe Batswana ba kopilwe go nna seopo sengwe go dira mmogo gore ka ngwaga wa 2016 ba bo ba le setshaba se se bopaganeng. Go kopile jalo Mookamedi wa Marketing Communication Ebat Rre Mompati Maruapula, fa a bula tshingwana ya merogo kwa Oodi mo kgaolong ya Kgatleng. Rre Maruapula o boletse gore Batswana ba tshwanetse go dirisa lengwe la matshego a Tebelopele ya Setshaba le le reng setshaba se se kutlwelo botlhoko, mme ba abele ba ba tlhokileng lesego, gore ka ngwaga wa 2016 ba bo ba le tshaba e e kgathalang ka bolhe. A re baagisani ba tshwanetse go tlholana le go botsana matsogo gore e re yo mongwe a na le mathata a kgone go thusiwa ke yo mongwe. O boletse gore tshingwana e ya merogo ya ga Rre Solly Tlhagwane, e tshwanetse go nna e phophoma ka merogo ka dikgakololo tse di tswang mo morafeng le sekolo sa Odima JSS go rotloetsa Tlhagwane go oba letsogo ka go rekisa merogo ya gagwe. Rre Maruapula o kgothaditse Rre Tlhagwane go tlhokomela tshingwana ya gagwe a e nosetse le go reka melemo ya diji tsa merogo. A re o tshwanetse go itshetsa ka yone le ba lesika la gagwe. O supile fa a eletsa gore e re ngwaga o o tlang a tla go mo tlhola a fitlhele a okeditse tshingwana ya gagwe a lema merogo e mengwe. Mme Selinah Tlhagwane e leng mmaagwe Solly o ne a leboga sekolo sa Odima JSS, ka ba mo namotse mo leubeng ka go direla ngwana wa gagwe tshingwana ya merogo, mo nakong eno ba shaba le gone go rekisa merogo e e lemilweng ke Solly. BOKHUTLO society 9 Balete ba gorosa Mabopatshaba E rile ka Matlhatso ga bo go utlwala go gelebetlega ga megolokwane, lenaka le dikoma fa Balete ba amogela mophato go tswa bogwera kwa Ramotswa. Mophato o, ke wa boraro fa e sale Balete ba tsaya tshwetso ya go tsosolosa ngwao ya go rupa ka 2012, mme go setse go alogile mephato ya Matsosangwao le Madisamotse Fa a ema morafe le dialogane ka lefoko, Kgosi Mosadi wa Balete o ne a kaya fa go le botlhokwa gore go bopiwe setshaba se se lerato, se se kgathalelanang ebile se dira ka bojotlhe go itokafatsa. Ka jalo a kaya fa mophato o tlaa bidiwa Mabopatshaba ka jaana ba fiwa boikarabelo jwa go bopa setshaba. Kgosi Mosadi o ne a kaya fa mophato o mosha, o tlaa tshwanelwa ke go bereka le mephato e mengwe go diragatsa thomo ya go bopa setshaba. O ne a kaya fa mophato o weditse dithuto tsa one mme e bile dialogane tsotlhe di kgonne go aloga kwa ntle ga mathata ape. Kgosi o ne a kaya fa mophato wa ngwaga eno, o ne o tsenwe ke bangwe go tswa Maun, Bokaa, Mmankgodi le Afrika Borwa Fa a tswa la gagwe, Kgosi Malope II wa Bangwaketse, o ne a tlhalosa fa tshwaragano ya morafe e le konokono ka e bile lefatshe leno le ipelela dingwaga di le masome a matlhano le ipusa. A re jaaka lefatshe leno le ipela, le tshegeditse setlhogo se se reng, tshaba e e bopaganeng e a ipela ka jalo se tsamaelana le leina le thomo ya mophato. O ne a kaya fa mephato e e fetileng e ne ya newa thomo, mme ya e diragatsa ka jalo a gwetlha Mabopatshaba go diragatsa thomo ya bone. Kgosi Malope II wa Bangwaketse o ne a kopa mophato go itebaganya le boitshwaro, a bo a supa fa go tlhokega gore bana ba rutwe botho. Kgosi Malope o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore setshaba se tshwaragane, a bo a tlhalosa fa magosi a neilwe thata ya go tlhokomela le go babalela morafe, le go rulaganya tsa ngwao. O ne a tswelela ka go re magosi a na le dithata tsaa go lwantsha borukutlhi mo dikgaolong tsa bone, ka jalo a re go botlhokwa go tshwaragana le go tlotla dithata tsa magosi go bopa setshaba. Borre ba le 122 ba ne ba aloga ko bogwera ka Matlhatso. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Kgosi o lela ka bogodu jwa leruo Kgosi Mbuso Vavani wa motse wa Maitengwe o supile fa a tshwenngwa ke dikgang tsa bogodu jwa leruo tse di tsweletseng ka go golela pele. Kgosi Vavani o buile jalo mo potsolotsong le BOPA, a supa fa kgotla ya gagwe e tsweletse ka go amogela dikgang tsa bogodu jwa leruo. A re leruo le gantsi le tshabelelwang ke go utswiwa ke dikgomo bogolo marole, dipudi le ditonki. Kgosi Vavani o supile fa bontsi jwa magodu a e le bana ba mo gae ba dirisanya le bangwe Batswakwa go tlodisetsa leruo ka ko lefatsheng la Zimbabwe. A re le ntwa mapodisi le bangwe mo motseng ba leka go emela dikgang tse ka dinao , maiteko a bone a busediwa kwa morago ke bangwe ba ba tsweletseng ka go kgaola terata ya mololwane mme ba tlodise leruo motlhofo. Go sale foo Kgosi Vavani o supile bangwe barui ba ba sa tlhokomeleng leruo la bone ka monwana ka jaana go rotloetsa gore leruo le utsuwe motlhofo. O boletse fa go tlhoka go disa, kgotsa go laola motsamao wa leruo ga mmogo le go tlhoka go tshuba leruo go ba ketefaletsa go ka lwantsha borukhutlhi jwa leruo. Mo go tse dingwe Kgosi Vavani o supile gape fa a sa itumedisiwe ke dintwa tsa banana mo motseng. A re banana ba motse ba tsweletse ka go itshiela bojalwa ka tsela e e makatsang mme morago ba itaane ka bo bone mo ba felela ba bakelana dikgobalo tse di masisi. A re le ntswa ba botsogo ba leka go tsibosa ka bodiphatsa jwa go itshiela nnotagi kgotsa go goga motsoko bangwe ga ba tseye kgakolo e ka tlhwaafalo ka jaana ba tsweletse fela ka go dirisa nnotagi. Kgosi o bile a supa gape fa a sa itumedisiwe ke bangwe banana ba ba ineelelang manyalo a a seng ka fa molaong, ka jaana phelelo ya one ke gone go lwela dithoto. crime_law_and_justice 1 Ngwaga o o tlang wa 2020 o botlhokwa mo go tsa bong Mothusa mookamedi wa lephata la tsa bong Mme Vuyelwa Segokgo a re puso e dirile maiteko a a bonalang gore bomme ba nne le seabe mo mehameng e e farologanyeng. Mme Segokgo a re go na le melawana e e baakantsweng e e neng e baya bomme ka fa mosing. O buile jaana mo bokopanong le ba-na-le seabe mo go tsa bong mo Maun bosheng. Le fa go ntse jalo, Mme Segokgo o tlhalositse fa sebe sa phiri e le gore bontsi jwa Batswana ba ba fitlhelwang kwa magaeng ga ba na lesedi le kitso ka dikgang tsa tekatekanyo ya bong le kgokgontsho. Ka jalo, Mme Segokgo a re go botlhokwa gore bomme le bana ba ba kwa dikgaolong ba rutuntshiwe ka dikgang tse di ba amang. A re seo se ka thusa bomme le bana gore ba seka ba itshokela kgokgontsho. Mogolwane wa ofisi ya bong mo Maun, Mme Boitumelo Likuni a re ngwaga o o tlang o faphegile mo go tsa bong. A re tshutiso ya ba lekgotla la ditshaba e e tlamang mafatshe go tsibogela dikgang tsa bong ya Beijing Declaration and Platform for Action e digela dingwaga tse di masome mabedi le botlhano ngwaga o o tlang. Ka jalo, Mme Likuni a re ba lephata la bong ba bone go le botlhokwa gore ba kopane le ba-na-le seabe go sekaseka gore lefatshe le gonne go le kae mo go tse di amang bomme le bana. O supile fa tsamaiso eo ya Beijing Declaration and Platform for Action e ne e gwetlhilwe ke go bo bomme ba saletse kwa morago mo dilong ka bontsi tse di amang matshelo a bone le ditlhabololo tsa lefatshe. A re go ne go lemosegile gape fa kgokgontsho ya bong e ama bomme le bana go gaisa. Fa a akgela, moruti wa kereke Lontone (UCCSA) mo Maun gape e le morulaganyi wa kgaolo ya Bojana, Moruti Boikobo Nthobatsang o ne a supa fa kereke ya bone e gatetse pele ka go akaretsa bomme mo dikomiting tse di farologanyeng ka e bile e le bone ba ba leng bantsi mo kerekeng. Mogokaganyi wa lekgotlana le le ikemetseng la Women Against Rape mo Maun, Mme Peggy Ramaphane ene o ne a bolela fa makgotlana a a ikemetseng a dira go menagane mo go tsiboseng ka dikgang tsa bong le kgokgontsho. Mme Ramaphane o tlhalositse fa mafelo a a thusang bomme le bana ba ba amilweng ke kgokgontsho a le mabedi fela mo lefatsheng e bile e le a a simolodisitsweng ke makgotlana a a ikemetseng. O ne a tlatsa ka go re seabe seo sa makgotlana a go nna jalo se bonala mo pegong e e tlaa supang tema e e segilweng mabapi le Beijing Declaration and Platform for Action. society 9 Tlhokomelang botsogo le kgodiso ya bana Batsadi ba gwetlhilwe go tlhokomela le go sireletsa ga mmogo le go tsaya tsia botsogo le kgodiso ya bana ba bone, ka go netefatsa gore bana ba bona ditlamelo tsotlhe tsa botsogo. Fa a ema batsadi pele ka lefoko, mooki mo kokelong ya Zwenshambe Mme Segametsi Dikgang o ne a re go botlhokwa gore bana ba fiwe mekento ka go farologana ga yone mo dikgweding tse di tshwanetseng. O buile seo kwa letsatsing le le neng le rulagantswe ke ba lephata la Botsogo ba kgaolo ya Bokone Botlhaba kwa motseng wa Zwenshabe kgwedi eno e tlhola ga tlhano, le le neng le itebagantse le botsogo le kgodiso ya bana, bogolo jang go itebagantswe le mekento e e fiwang bana. Mme Dikgang a re batsadi ba tshwanetse ba itse fa mekento e e fiwa bana kwa dikokelong e le botlhokwa thata mo matshelong a bone ka e thusa go ba sireletsa mo malwetsing mangwe a a ka bakang ditlamorago tse di sa siamang mo ngwaneng. A re fa ngwana a le monnye, mmele wa gagwe ga o kgone go itwela mo malwetsing, ka jalo mekento eo ke yone e mo thusang mo go lwantsheng malwetsi. Letsatsi leo, le le neng le tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng ‘Mokento, mpho ya botshelo’, le ne le tsenwe ke batsadi ba metse ya Zwenshambe, Mulambakwe, Mosojane, Masunga, Letsholathebe le Vukwi. Mme Dikgang o tsweletse a tlhalosa fa ngwana yo o sa fiwang mekento mengwe a le borai mo matshelong a bana ba bangwe, ka a kgona go amiwa ke bolwetsi bongwe jo a sa bo kentelwang mme e le jo bo tshelanwang, ka jalo go nne le kgonagalo ya go bo tshela ba bangwe. Le fa gontse jalo, Mme Dikgang o ne a re batsadi ba tshwanetse ba itse fa go na le kgonagalo ya gore ngwana a amiwe ke bolwetsi bongwe lentswa a bo kentetswe, ka jalo go le botlhokwa gore ba sireletse bana ba bone ka gotlhe mo ba ka go kgonang. Fa nankola maikaelelo a letsatsi leo, mooki gotswa kwa kokelong ya Masunga, Mme Nchidzi Mokoka o ne a tlhalosa fa e le go lemotsha sechaba ka tlhokomelo ya bana le itse ka botlhokwa jwa ditlamelo tsa botsogo tse di tshwanetseng go fiwa bana go ba dibela mo malwetsing a a farologaneng. A re maikaelelo a mangwe ke go rotloetsa ba-na-le seabe botlhe mo kgodisong ya bana go nna le seabe le go pataganela kgodiso ya bana ga mmogo le go itse ditlamelo tsa botsogo tse di fiwang bana, a re boikarabelo joo, ga e a tshwanela go nna jwa bodiredi jwa lephata la botsogo fela. Mme Mokoka o tsweletse a re e re ka jaana bana e le bone bokamoso jwa setshaba, ba tshwanetse ba tlamelwa ka tsotlhe tse di tshwanetseng ba sale ba nyenyane. Modiri gotswa mo lephateng la botsogo mo kgaolong, Rre Nchengeti Ookeditse o ne a gakolola batsadi go ele tlhoko seemo se se tshwenyang sa go tlhaela ga dikotla mo baneng, a ba kopa go tsaya tsia dikgakololo tse ba di fiwang ke bodiredi jwa botsogo mabapi le kgolo ya ngwana. A re e re le ntswa puso e leka bojotlhe go thusa mo kgodisong ya bana ka metlhale e e farologaneng, go balelwa le gone go phakiwa ga dijo tsa bana kwa dikokelong, fela go a tshwenya ka jaana go na le batsadi bangwe ba ba santseng ba na le mokgwa wa go sa diragatseng ditaelo tsa mananeo mangwe a a ka thusang go tokafatsa seemo sa ngwana, mo ngwana a felelang a latlhegelwa ke botshelo tota. Rre Ookeditse o tlhalositse fa mo baneng ba ba kalwang mo nakong eno kwa metseng ya Masunga, Zwenshambe, Mosojane le Mulambakwena go na le bana ba le masome a matlhano le boferabongwe ba ba tlhaelang dikotla. Mongwe yo neng a le teng kwa tirong eo, ke modiri gotswa kwa lekgotleng la mafatshefatshe la botsogo, Mme Bakanuki Nfila, yo o kopileng batsadi go tsaya dithuto tse ba di amuleng ka tlhwaafalo, a re ba itse fa kgolo le botshelo jwa bana di le mo diatleng tsa bone. Mme Nfila a re Batswana ba tshwanetse ba tlhaloganya fa ba le sego ka jaana puso ya lefatshe leno e itlamile go tlamela bana botlhe ka ditlamelo tsotlhe tse di tshwanetseng tsa botsogo, a re fela go ngomola pelo ka jaana batsadi bangwe ba sa sole molemo ditlamelo tseo. BOKHUTLO health 6 Balebeledi ba kopiwa go rarabolola dikgang tsa lefatshe Batshwara marapo le batsaya karolo mo kabong ya lefatshe ba kopilwe go tswa ka tharabololo e e ka fokotsang dikgang tse di apesitseng makgotla a kabo ditsha a lefatshe leno, tse di reng ba dira dilo ka tshokamo. E rile a bula bokopano jwa balebeledi ba ditsha, dikgosi le dikgosana, mo boemong jwa modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la gaMmangwato, jo bo neng bo tshwaretswe mo Palapye, Rre Thema Sekunyane a supa fa maikaelelo e le go itshekatsheka morago ga gore ba nne le bokopano jo ka 2012 jo bo neng jwa ntsha maduo. A re kgangkgolo ke go tla go bua ka tsamaiso le dikgang tsa lefatshe, segolo jang go lebeletswe kgolo le koketsego ya dipalo tsa batho mo mafelong a a setseng a tsamaela go nna ditoropo, jaaka Palapye. Rre Sekunyane, yo e leng leloko la lekgotla la kabo ditsha la gaMmangwato le letona, o ne a supa fa kgolo kana koketsego ya batho e supa fa lefatshe le lone le tlhokega thata; seo se bo se raya gore bonno, masimo, ditsela le mafudiso di ya go amega thata. A re mo kgannyeng e ya lefatshe, go raya gore bonno bo ya go tsaya masimo, masimo a bo a tsaya mafudiso, mafudiso a bo a golela kwa mafelong a diphologolo. Le fa go ntse jalo, a re jaanong e ke yone nako ya gore balebeledi, e bile e le badisa ba lefatshe, ba tswe ka methale e go ka tsamaisiwang lefatshe ka yone. Rre Sekunyane a re go sa ntse go na le dikgang tse di tshwenyeng tsa batho ba ba dipelo ditshetlha ba ba ikabelang lefatshe ka go kgona le go rata. A re seo se tlhoka go bewa leitlho le le ntshontsho la borara le balebeledi ba lefatshe, go tila diemo tsa go tshwana le tse. E re dikgang di eme jalo, Rre Sekunyane o ne a bolela fa tekeletso e e dirwang kwa Extansion 11 ya go tsenya ditlamelo le paakanyo ya mealo, e e yang go supa fa ditsela, motlakase le metsi di yang go feta teng, e tsweletse mo ditsheng di le 3 000. O ne a rotloetsa Batswana go tlhabolola ditsha tse ba di abetsweng , mme a supa fa kwa metseng ya Manaledi le Goosekgweng ba simolotse go sega ditsha, fa mo Palapye ba itebagantse le go thiba diphatlha tse di fa gare ga motse. O ile gape a bua a sa kgwe mathe ka batho ba ba itlhokomolositseng go duela lekgotla la kabo ditsha madi a ditirelo, a tlhalosa fa madi ao e le one a lekgotla le ikaegileng ka one mo ditirong le tlhokomelo merero ya lefatshe. society 9 Letsema le thata ka mong Kgosi Tsoebebe Segotsi wa Mahalapye a re e re ntswa lenaneo la Ipelegeng le le botlhokwa mo go thuseng batho ba ba dikobodikhutshwane ka ditiro tse ba ka itshetsang ka tsone, o tshwenngwa ke gore batho bangwe ba phuaganya masimo a bone go ya gobatla ditiro kwa Ipelegeng ntswa mmuso o dirisitse madimadi go ba lemela. O ne a gatelela thata Setswana se se reng, “letsema le thata ka mong”, a tlhalosa fa go le mo maruding a balemi go tlhokomela masimo ka go ntsha mhero, go bolaya diji, go leta le gone go agelela masimo a bone, go itsa leruo le diphologolo tsa naga go senya dijwalo. Kgosi Segotsi a re le fa tota a sena thata ya go emisa lenaneo la Ipelegeng ka nako ya temo, gone keletso ya gagwe ke gore puso e sekaseke seemo se, mme e emise mananeo a Ipelegeng, kgwedi di ka nna thataro, gore batho ba kgone go itebaganya le masimo a a ka ba ntshetsang dijo tse ba ka itshetsang ka tsone, go na le go ikaega fela ka dithuso tsa puso. E rile kgosi a itebaganya le maikaelelo a phuthego eo, a bolela fa maikaelelo ele go araba mokgosi wa ga tautona wa go kopa Batswana, lefatshe leno ka bophara go tshwara merapelo ya go lebogela Modimo go bo o ba neseditse dipula tse dinamagadi tse di dirileng gore Batswana bale bantsi ba bone thobo e nametsang. A re ka ntlha ya dipula tse di tsorotlileng ka bokete mo dikgaolong tsa lefatshe leno, dinoka ka bontsi di ne tsa tlala mo di neng di penolo, naga le yone ya sala e kgabile ka kobo e tala, fa thobo yone e nnile e nametsang e bile e itumedisa le go feta. E rile Moruti Dichaba Kebaagetse a tswa lefoko la kgothatso, a kopa Batswana go tswelela ka go ikaega ka thapelo ka jaana ele yone tsela le boammaruri mo matshelong a mongwe le mongwe. Moruti Kebaagetse a re le fa batho bangwe ba sa dumele mo Modimong ka ba ise ba kopane nao ka namana, gone ba tshwanetse go dumela fa Modimo ole teng ka go ela tlhoko ditiragalo tse di diragalang mo lefatsheng ka bophara. A re lefatshe la Botswana ke lengwe la mafatshe a segofaditsweng mo Aferika ka jaana le sena dintwa tsa semorafe kana sepolotiki jaaka re bona mo mafatsheng mangwe a ka sekang a umakiwa ka maina. Mo merapelong eo, e neng e tshwaretswe mo kgotleng kgolo ya Mahalapye, morafe one wa supa boitumelo ka go opela difela tsa dikereke le go letsa megolokwane.Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Theko ya leruo e nnile le dikgwetlho Makhanselara a kgaolo ya Borwa a re e re ntswa ba atla mogopolo wa go rekela barui ba kgaolo ya Zone 6 le 7 leruo, thulaganyo eo e nnile le dikgwetlho tse di neng tsa baya barui bangwe ka fa mosing. Makhanselara ba buile jalo jaaka ba ne ba akgela mo mafokong a modulasetilo mo phuthegong ya khansele ka Labobedi. Mokhanselara wa kgaolwana ya Samane, Rre Burunyane Rantalajwe a re barui bangwe ba ne ba solofeditswe go duelelwa leruo leo mo lebakeng la beke, mme ga tsaya sebaka ba sa duelwe. A re se se neng se ngomola pelo e ne e le gore batho ba ne ba sa itsisiwa mabaka a tiego ya dituelo. Rre Rantalajwe, yo e bileng e le modulasetilo wa kgaolo potlana ya Mabutsane o boletse fa go le botlhokwa gore barui ba bolelelwe boammaaruri mabapi le dituelo tsa bone ka jaana ba tloga ba goga dinao go thusanya le puso mo kgannye e. E rile a tswa la gagwe, mokhanselara wa Khakhea, Mme Virginia Kono a supa fa kgang ya theko ya leruo e ne e sa phatlaladiwa ka botlalo ka jalo e timile ba ba neng ba na le keletso go rekisetsa puso dikgomo sebaka. O kopile gore mo nakong e e tlang boeteledipele bo akaretsa makhanselara bo bolelelwe nako e sale teng ba tle ba thuse go anamisa molaetsa ka digoagowe. E ne e rile a bula phuthego ya khansele eo ka Mosupologo, modulasetilo Rre Leach Tlhomelang a kopa gore barui ba rotloediwe go rekisa leruo la bone gore go thusiwe bangwe ka bone ba ba udubaditsweng ke bolwetse jwa tlhako le molomo kwa kgaolong ya Zone 6 le 7. A re e re ntswa ditlhotlhwa tse puso e rekang ka tsone di le kwa tlase, ba rotloediwa go rekisetsa puso fela ka lone lemme leo, mme e bile tshwanelo e le gore ba duelwe mo malatsing a a sa feteng lesome. O boletse fa kgomo ya dingwaga tse di fa gare ga bobedi le bone e rekwa P2 500, fa poo ya dingwaga tseo yone e rekwa ka P3 500. A re mo dihutshaneng, nku kana podi e namagadi ya dingwaga tse di fa gare ga bobedi le bone e rekwa ka makgolo a supa mme tlhotlhwa ya e tonanyana ya dingwaga tse di tshwanang e le P1 400. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ga ke a rutwa ka tsamaiso ya ditlhopho Mme Olorato Reetsang, yo e leng mosupi mo tshekong e Rre Mogalakwe Mogalakwe a gwetlhang maduo a ditlhopho tsa kgaolwana ya Mosolotshane/Moralane, o tlhaloseditse kgotla kgolo ya ditsheko ya Gaborone ka Laboraro fa a sena kitso ya tiro ya go lebelela tsamaiso ya ditlhopho. O tlhalositse jalo fa a ne a botsolotswa ke mmueledi wa ga Rre Kesebelwang Gaorongwe, Rre Busang Manewe. “Ke ne ke sa itse thata ka tiro e ke neng ke e dira. Ke ne ke sa rutuntshiwa ka se ke neng ke tshwanetse go se dira,” ga tlhalosa Mme Reetsang. Mme Reetsang o tlhaloseditse lekgotla gore o tsere nako e ntsi a le mo ntlwaneng e go neng go tlhophelwa mo go yone, ka jalo ga a kake a tlhalosa thata ka tse di neng di diragala kwa ntle. O tlhomamisistse gape gore ka nako e go neng go fifala go ne go tshubilwe lebone la Cadac go bonesa mo ntlwaneng ya botlhophelo. Le fa go ntse jalo, Mme Reetsang a re kwa tshimologong, lebone leo, le ne la seka la bonesa jaaka go ne go solofetswe ka gore le ne la kueletsa mosi mme la pateletsa mookamedi wa matlhophelo go le ntshetsa kwa ntle ga lefelo le go neng go tlhophelwa mo go lone. A re le fa lebone leo le ne la busediwa mo matlhophelong moragonyana le ne le sa ntshe lesedi le le lekanetseng, ka jalo batlhophisi le bangwe ba balebeledi ba ne ba dirisa megala ya letheka go oketsa lesedi. “Ga ke tlhomamise gore lebone le le neng la felela le dirisiwa mo matlhophelong ke lone le le neng le senyegile kgotsa ba ofisi ya ditlhopho ba ne ba le emisetsa ka le lengwe,” a tlhalosa. Mme Reetsang o supile gore ope yo o ka tlang a tlhalosetsa lekgotla gore lebone la Cadac le ne le ntsha lesedi le le lekanetseng, o tla bo a sa bue boamaruri. A re le fa go na le dingwe tse di neng di sa jese diwelang, o ne a palelwa ke go ikuela mo motsamaising wa ditlhopho ka gore o ne a sa mo sekegele tsebe. A re le fa a ne a dira maiteko a go bolelela Rre Mogalakwe ka tse di neng di mo tshwenya, o ne a idiwa go dira jalo ke motsamaisi wa ditlhopho, mabaka e le gore tsamaiso ga e lete gore o ka dira jalo. Mme Reetsang a re o dumela gore dingongora tsa gagwe ga di a kgona go tsibogelwa ka letsatsi la tlhopho ka gore molaodi wa ditlhopho o ne a sa mo letle go dira jalo, seemo se se dirileng gore ba felele ba le mo kgotleng ya ditsheko. Rre Manewe are o dumela gore go tlhoka kitso ga ga Mme Reetsang go dirile gore dikgang tse di kabong di rarabolotswe bonolo ka letsatsi la ditlhopho di felele di le mo kgotla tshekelo. E rile a tsibogela mafoko a ga Rre Manewe, Mme Reetsang a re go tlhaela kitso ga gagwe go ne go sa neele bodiredi jwa lekgotla la tsamaiso ditlhopho go dira dilo ka tshokamo. Ka jalo, a re o dumela gore go itlhokomolosa tsamaiso ya baokamedi ba ditlhopho le go tlhoka go mo reetsa ke gone go dirileng gore ba ikuele kwa kgotleng ya ditsheko. Mme Reetsang a re ngongorego ya ga Rre Mogalakwe e gwetlhilwe ke go dira dilo ka tshokamo e seng gore o latlhegetswe ke ditlhopho. Rre Manewe o tlhalositse gore sengwe sa dilo tse go buiwang thata ka tsone ke seemo sa bosa. “Se ke se boleletsweng ke gore, gone go na le mosarasarane fela o ka se kgoreletseng tsamaiso le gore o tsere metsotso e sa feteng masome mararo,” ga tlhalosa Rre Manewe. Mme Reetsang o ne a tsiboga ka gore; ‘mosarasarane kana go tewa yone pula e ke neng ke tlhalosa ka yone mo bosuping jwame, e bile e sebaka se se leejana se ka nnang oura’. Fa a tsibogela dipotso tsa mmueledi wa lekgotla la ditlhopho, Rre Otsile Rammidi, Mme Reetsang o supile gore ka nako e seemo sa loapi se neng se sa iketla, tlhopho e ne e tsweletse. Le fa go ntse jalo, Mme Reetsang a re bangwe ba batho ba ba neng ba le mo moleng ba letile go tlhopha ba ne ba tshabela pula kwa malwapeng a bone. A re go ya ka kitso ya gagwe, go ne go sa bulwa epe gape ntlwana ya borutelo gore batho ba ba neng ba le mo moleng ba tshabele pula mo go yone politics 7 Banni ba kopiwa go tsweledisa temo Go botlhokwa gore mongwe le mongwe mo lwapeng a nne le seabe e bile a tlhoafalele temo ka e ntsha dijo tse di jewang ke batho ga mmogo le leruo. E rile a bua mo moletlong wa go ipelela thobo o o neng o rulagantswe ke banni ba metse ya Nlapkhwane le Masukwane bosheng, mothusa mogokaganyi wa tsa temo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Fatima Makgethe a bolela fa temo ele seikokotlelo se se botlhokwa, ka jalo a kopa batsadi go jwala mowa wa go inaakanya le temo mo baneng ba bone gore e re phularong ya bone, ba sale ba tsweledisa ngwao eo, e se re gongwe ba sala ba ba supa ka menwana go bo ba paletswe ke go ba ruta maele a botshelo. A re fela go a tshwenya ka jaana go santse go na le batsadi bangwe ba ba santseng ba le maoto a tshupa go tsenya mowa wa go tlhoafalela temo mo baneng. O boletse gore ba ka tsenya mowa oo ka go nna ba ba itsese ka botlhokwa jwa temo le go ba akaretsa mo sengwe le sengweng se se amanang le yone. A re le fa gone mo kgaolong ya Bokone Botlhaba go lebega temo e tshwaraganelwa, fela bomme ba kgaolo eo ba tshwanetse ba rolelwa hutshe go bo e le bone ba di gogang kwa pele mo go yone. Mme Makgethe a re letsatsi la go ipelela thobo ke lengwe la malatsi a a botlhokwa ka le thusa balemi go lemoga seabe sa bone sa go inaakanya le temo. A re go a itumedisa go bona batho ba tlhoafalela temo go sa kgathalesege gore ba kopana le dikgwetlho tsa dibetso tsa tlholego, phetogo ya loapi le tse dingwe. O tsweletse a re puso ka mananeo ka go farologana jaaka la ISPAAD, e leka bojotlhe go thusa batho go tlhabolola le go godisa temo, mme a re go a itumedisa go bona mo kgaolong ya bone, go lemilwe ditema di le dikete di le lesome le bosupa, makgolo a le mararo le borataro le metso e le mebedi mo pakeng eno ya temo. Go ntse go le foo, Mme Makgethe o gakolotse balemi le barui go tshwaragana, a re seo se ka nyeletsa lehuma e bile sa dira gore lefatshe leno le kgone go rekisetsa mafatshe a mangwe dijo le dingwe tse di tswang mo leruong. Fa a ama dintlha dingwe mabapi le tiriso ya tshefi e e sireletsang thobo, molemisi wa diji mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Thabakgolo Onalenna o gakolotse balemi go itshireletsa ka dinako tsotlhe fa ba dirisa tshefi. O tsweletse a re tshefi ya Grain Guard, e gantsi e leng yone e dirisiwang go sireletsa thobo, e tsaya lobaka la dikgwedi tse thataro e ntse e sireleditse thobo mme fa dikgwedi tseo di wela, molemi o tshwanelwa ke go tshela tshefi ya selekanyo se se tshwanetseng mo thobong ya gagwe. O boletse fa thobo e ka jewa morago ga kgwedi e sena go tshelwa tshefi eo mme e tlhatswitswe. O gakolotse balemi kgatlhanong le go reka ditshefi tse di sa kwadisiwang ka fa molaong mo lefatsheng leno, a re tse di kwadisitsweng ga di na borai bope fa di dirisiwa ka fa tshwanelong. Moletlo oo, o ne o tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng ‘Go beeletsa mo temo-thuong, go oketsa dijo’. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Bagolo ba Gabamochaa ba a ipelega Mopalamente wa Maun Botlhaba, Rre Konstatinos Markus, o akgoletse bagodi ba Gabamochaa go ikagela kamore le ntlwana ya boithomelo, tse ba tlaa di dirisang fa ba amogela. Fa a bula dikago tseo semmuso bosheng, mopalamente o ne a bolela fa maiteko a, a tlaa imolola puso morwalo. A re ka lebaka la tlhaelo ya madi, puso ga e kgone go dira ditiro tsa go tshwana le tse, mme a re tse di ka fitlhelelwa ka thotloetso ya dikhamphane tse di ikemetseng le boithaopo jwa setshaba. Rre Markus a re se se dirilweng ke bagodi ba motse oo ga se se seka ikgatholosiwang, a tlatsa ka gore se tlaa kgothatsa banana gore le bone ba dire sengwe sa ditlhabololo mo motseng wa bone. Mopalamente a re Gabamochaa o na le matlotlo a mantsi, ka jalo o ne a ba rotloetsa gore ba eme ka dinao go itirela lekgotla le le ka ba direlang madi a a ka ba kgontshang tsotlhe tse ba di eletsang. O ba kgothaditse go botsa le go tsaya megopolo ya gore ba ka tsweledisa jang ditiro tsa bone. “Le nkgwetlhile, ka jalo ke tlaa le neela terata go agelela lefelo la lona,” Rre Markus a bolela. Moemela kgosi wa Shorobe Kgosi Gaditshwane Mmutle, o ne a leboga banni ba motse oo a re le ntswa mo malobeng ba ne ba phatlalala mo goneng ga dira gore motse oo letota, jaanong go a lebosega ka ba boetse gae. Kgosi Mmutle a re pele ga ntlo eo e agiwa, bagodi ba ne ba kgobokanela kwa posong ya Maun, mme go ne go tala thata. A re bagodi ba ne ba amogelela fa thoko ga setlhare se gompieno se oleng mme a re selo se bagodi ba se dirileng se supa ponelo pele. O ne a ba kopa gore ba dirise ntlwana eo, gore le ba kokelwana ba ba bonele mo go yone ka nako ya fa ba botsogo ba feta foo. A re se se dirilweng ke batho ba Gabamochaa ke go supa fa ba setse morago motlhala wa matshego a go ipelega le ditlhabololo. Kgosana wa motsana oo, Rre Dichaba Maphumo, o ne a tlhalosa fa motsana oo o sa bolo go nna foo ka ngwaga wa 1954, mme a re go bo o sa tlhabologe ke mabaka a gore bana fa ba gola ba ya kwa ditoropong kwa ba fetang ba aga teng le kwa metseng e metona jaaka Maun le Shorobe. O ne a tlhalosa fa ba tshwenngwa segolo bogolo ke bogodu jwa leruo jo bo ileng kwa godimo, a re ba sale ba lekodisitse mapodisi ka seemo seo mme ga go nko e tswang lemina. Rre Maphumo a re ba tshwenngwa gape ke ditlou tse a reng di gobeya gongwe le gongwe, a re ga ba kgone le gone go phutha dikgomo ka ntata ya go tshaba diphologolo tse. politics 7 Me And You e rotloetsa banana Modulasetilo wa mokgatlho wa Me And You kwa Molepolole, Rre Boago Koontse, a re banana ke bone bokamoso jwa lefatshe leno. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Koontse a tlhalosa fa mokgatlho wa bone o tlhamilwe ka maikaelelo a go ntsha banana ba motse oo mo mekgwatheng le go ba rotloetsa go tsena mo mererong ya motse ka e le bone ba tlaa bong ba o eteletse pele mo isagong. A re mokgatlho o, oo tlhamilweng ka ngwana wa 2013, o ikaelela go tsosolosa mowa wa go direla setshaba le go kopanya batho mo motseng. A re ba ne ba lemoga gore banana ga ba a nna le seabe mo go direng ditogamaano tse di amang motse wa bone ga mmogo le diphuthego tsa kgotla mme ba felela ba tseelwa ditshwetso ke bagolo tse fa gongwe di ba bayang ka fa mosing. O ne a tlhalosa fa jaanong go tlhamiwa ga mokgatlho o, go tlaa thusa go lemotsha banana mosola wa bone go tsena merero ya motse wa bone le gore seabe sa bone se ka dira pharologanyo e ntsi mo go ageng motse. O tlhalositse gore jaaka e le mokgatlho ba tshwara dikgaisano tsa metshameko ya kgwele ya dinao mo motseng ngwaga le ngwaga go kopanya banana ba motse le go kgapha ba bangwe mo dilong tse di fapogileng jaaka nnotogi le borukutlhi. Rre Koontse o kopile banana ba Molepolole go tsena mokgatlho o go ka thusa go tla ka maano a go itlhamela mebereko le go inamola mo lehumeng le le apereng lefatshe leno. society 9 Ba rotloeditswe go nyeletsa lehuma Banni ba motse wa Setsile ba gakolotswe go dira ka natla fa ba thusitswe ka mananeo a nyeletso lehuma jaaka la Limid le la ISPAAD go tlhomamisa gore a atlega. Se se builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba Mme Botlogile Tshireletso ,mo phuthegong ya kgotla ko motseng oo bosheng gore botlhaga le boineelo di ka ba tsisetsa maduo. Mme Tshireletso a re le fa mananeo a nyeletso lehuma a temo-thuo a lebanwe ke dikgwetlho di akaretsa tlhaelo ya lefatshe, letlhoko la metsi le malwetse, seo ga se reye gore banni ba ineele. O ne a ba rotloetsa go itepatepanya le dikgwetlho tseo go fitlha ba bona tharabololo, mme a ba gakolola go tshwaragana le go dira ditlhophana gore ba bone ditharabololo tsa motia. O supile fa go sa tshwanela gore banni ba motse oo ba ikaege ka lenaneo la ipelegeng ka jaana le direletswe go namola lehuma ga nakwana fela. Banni ba Setsile ba ne ba ikuela mo go mopalamente ka kgwetlho ya bone ya ditsha tsa bonno le masimo tse di sa bewang ka fa molaong. Ba re se ke nngwe ya dilo tse di ba itsang go akola mananeo a puso ka jaana ba sena bosupi jwa gore ditsha tsa bonno le masimo ke tsa bone. Ba re monongwaga ga ba a fiwa dipeo gore ba leme ka masimo a bone a sa bewa ka fa molaong mme ba lekgotla la kabo ditsha ga ba fefose ditirelo tsa bone go ba thusa. E rile fa a araba matshwenyego, mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Mahalapye Mme Lorato Dikgang o ne a bolela gore fa e sale ka ngwaga wa 2012 ba ntse ba mo thulaganyong ya go baya masimo. Mme Dikgang a re ba ne ba romela moitseanape go tla go sekaseka masimo a bone mme le jaana ba sa ntse ba sekaseka maduo a dipatlisiso tseo. A re kgang ya ditsha tsa bonno e setse e le ko lekgotleng la ditsheko ka jalo ba sa ntse ba emetse katlholo ya lekgotla ke gone ba bo ba ka di baya. BOPA environment 5 Kgaolo potlana ya Palapye e lwantsha monang Kgosi Bokamoso Radipitse wa Tonota o akgoletswe go sala morago ngwao ya lenyalo ya Sehurutshe. Fa a bua kwa moletlong wa lenyalo kwa Mmmandunyane ka mafelo a beke, Kgosi Keeletse Tselawa yo e leng Kgosi ya Bakhurutshe ba Tonota e bile e le Rangwaneagwe Kgosi Radipitse a re go a itumedisa go bona kgosi a setse tsamaiso ya lenyalo morago ka go ntsha bogadi jwa dikgomo tse thataro, mo go tsone go na le e le nngwe ya metsi e e tlwaetsweng ka leina la senyadza molomo. Kgosi Tselawa o tlhalositse fa mo malatsing ano, batho ba ntsha madi e le one bogadi mo boemong jwa dikgomo, selo se a tlhalositseng fa e se tsamaiso ya lenyalo la Setswana. O tlhalositse fa go le maleba gore kgosi jaaka mmabatho o tshwanetse go nyala, e le sesupo sa go tsaya boikarabelo jwa tshaba e a e eteletseng pele. Kgosi Radipitse o tsena mo nyalong le Mme Koontse Radipitse a sena go tlhongwa go tlhatlhama Rraagwe go nna kgosi wa Bakhurutse ngwagatlola. Mo Potsolotsong morago ga moletlo, Kgosi Tselawa yo o neng a tletse boitumelo o boletse fa a itumeletse kgato e Kgosi Radipitse a e tsereng ya go nyala, a tlhalosa fa e tsisitse boitumelo mo Bakhurutsheng. Moletlo wa go isa ngwetsi o tlaa ketekwa Mopitlo a tlhola malatsi a roba bongwe kwa kgotleng kgolo ya Tonota. health 6 Badiri kwa Tutume ba kopiwa go ntsha maduo Badiralapuso ba maphata a a ka fa tlase ga ofisi ya ga Tautona kwa Tutume ba kopilwe go ntsha ga tshwene mo tirong nngwe le nngwe e ba e dirang. Seo se builwe ke mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Tutume, Rre Kabelo Tshekiso mo bokopanong jwa babereki bao bosheng. Rre Tshekiso a re ngwaga ono ke wa ditiragalo ka e bile lefatshe leno le tlaa bo le ya ditlhophong, ka jalo mapolotiki le setshaba ka kakaretso ba solofetse go le gontsi mo go bone e le badiralapuso go bona gore Batswana ba bona ditirelo ka tshwanelo le ka nako. A re kgwetlho e ba nnang ba kopana nayo ka nako ya bokopano jwa bone e le ba ofisi ya ga molaodi ke ya go tlhoka go tsisa dikgang tse di ka kopanelwang ke maphata kwa diphuthegong. O sedimoseditse batsena bokopano joo ka mosola wa go nna le thulaganyo ya tse di ka buiwang mo bokopanong, a re moono ke go tla ka matshwenyego a ba kopanang le one le ditharabololo. O gateletse gore badirelapuso ba gololesegile go tla ka megopolo go abelana le ba bangwe ka fa ba akanyang dilo dingwe di ka dirwa go tokafatsa maduo mo tirong ka teng. Rre Tshekiso o ne gape a ba kopa go itse se se diragalang mo maphateng a mangwe. A re seo se tlaa dira gore ba kgone go bontsha batho kwa ba ka bonang thuso teng motlhofo fa ba batla thuso mo maphateng a mangwe, go na le go ba isa kwa le kwa. O ne gape a gwetlha badiredi bao go dirisanya sentle le molaodi yo mosha, Mme Utlwanang Kerekang. A re tshwaragano ke phenyo. Fa a tswa la gagwe, Mme Kerekang o ne a kopa babereki bao go tlogela mokgwa wa go tsena morago ga nako le go nyelela fela mo tirong. A re mokgwa oo o o ila lebaibai. A re e le maphata a a okametsweng ke ofisi ya ga Tautona, puso e lebile mo go bone go rekisa mananeo a yone, ka jalo a ba kopa go bereka ba le seopo sengwe go bona gore ba tsholetsa kgaolo ya Tutume le batho ba teng. A re motho ga a a tshwanelwa go bereka ka go salwa morago, ka jalo mongwe le mongwe o tshwanetse a nne le maitlamo a go ntsha maduo fa a leng teng. Mme Kerekang o ne a kopa badirelapuso go nna le lerato mo tirong e ba e dirang, go nna le neelano le go tlotlana ka dinako tsotlhe gore ba kgone tema e ba e itshegetseng ya go bona ba dira pharologanyo mo matshelong a batho ba kgaolo e ba direlang mo go yone. O ne a ba gwetlha go dirisa bokgoni jwa bone mo tirong go dira motlhala o banni ba tlaa salang ba ba gopola ka one. Molaodi o ne a gatelela ka go re ngwaga ono ke wa ditiragalo tse dintsi tsa go sekaseka mananeo a ditlhabololo tsa dikgaolo le tsa setshaba (DDP8 le NDP11) ka jalo a ba kopa go nna le seabe se setona go bona gore tiro eo e tsamaya sentle e bile e nna le maduo. BOKHUTLO society 9 Bopelotelele bo a busetsa - Selotlego Bopelotelele bo ntshitse Mme Sebene Selotlego mo lehumeng. Mme Selotlego, yo o tlholegang mo kgotleng ya Selotlego kwa Kanye, o tlhalositse fa lehuma e le selo sa maloba mo go ene morago ga go fiwa lenaneo la tshingwana ya merogo ka 2007 ke ba nyeletso lehuma. Mme Selotlego o lema morogo wa sepinichi thata ka o sa ratwe ke diji. O tlhalositse gape fa a lema ditamati tse a dinosang gabedi ka letsatsi e le tsela nngwe ya go lwantsha diji. O tlhalositse fa gompieno tshingwana ya gagwe e kgabile ka botala selo se a reng ke ka ntlha ya bopelotelele. Le fa go ntse jalo, Mme Setlogelo o boletse fa metsi e le kgwetlho e kgolo mo kgwebong ya gagwe. Mme Selotlego, yo o dingwaga di masome marataro le botlhano, o buile gape fa kgwetlho e nngwe e a kopanang le yone e le diji. A re tse tsotlhe ga dina go mo kgoba marapo ka tshingwana e e le yone e e mo tshetsang le ba lelwapa la gagwe. A re o leboga segolobogolo puso e a reng e tiro e ntle ya go lere mananeo a tshwana le a masingwana a merogo go namola Batswana lehuma. O rotloeditse Batswana gore ba seka ba kgobega marapo fa kgwebo tsa bone di sa dire sentle kwa tshimologong. economy_business_and_finance 3 Lephata le abela masiela Molaodi wa kgaolo ya Kgalagadi borwa, Mme Peggy Kutlase o akgoletse lekgotla la kabo ditsha kwa Tsabong go tlhokomela bana ba masiela. Fa a tlhalosa mo moletlong wa kabo dimpho tsa bana ba ba tlhokomelwang ke lephata leo, molaodi o ne a akgola lekgotla mo tirong e ntle e le e dirang, a supa fa ba le mo tseleng ya go goroga kwa ngwageng wa 2016 ya go nna setshaba se se kutlwelobotlhoko e bile se le lerato. Mme Kutlase a re go supa lerato le boikarabelo jwa bone gore e re mo dinakong tse di tshwanang le tse ba ntshe mo ba nang le gone go fa bana ba. O tlhalositse fa ditiro tse di ntseng jaana di ka ba tsisa gaufi le setshaba. Molaodi o ne a supa fa mo setshabeng go na le bangwe ba ba dirisang dipuo tsa gore bone ga ba kake ba ntsha sa bone go thusa ngwana wa motsadi yo mongwe, ka jalo a re ke bopelontle go bo ba thusa bana. Fa a ema bana ka lefoko, Mme Kutlase a re thuso e ba e neelwang ke lekgotla e supa fa ba ratwa, ka jalo ba ikgaphe mo ditirong tsa go tlhoka tsebe tse di ka tsogang di sentse isago ya bone. Bana bao ga ba bolo go tlhokomelwa ke lekgotla le ka 2007. Ba ba thusa ka dijo, diaparo le dikobo. Molaodi o ne a tlhalosa gape gore go tswa goo lowe bana ba ntse ba tlhokomelwa ke batsadi e se ba bone, mme ba tsaya boikarabelo jwa gore le bone ka moso ba atlege mo botshelong, ka jalo a re bana ba ba seka ba ipotsa gore ke eng fa e le bone fela ba ba kgethilweng. O ne a gwetlha bana ba go tlotla batsadi ka e le boikarabelo jwa bone, a re gore batsadi ba bone ga ba yo mo botshelong e seka ya nna seipato, a tlhalosa fa se e le thato ya Modimo ka jalo ba tie go ya pele mo botshelong. O ne a re mo dinakong tsa go tshwana le tse tsa go ipela go na le batho bangwe ba ba sa rateng go bona ba bangwe ba ipela, ka jalo a gwetlha batho go tsaya boikarabelo. Fa a ntsha la gagwe, mongwe wa bana, David o ne a lebogela se lekgotla le se mo diretseng fa e sale a latlhegelwa ke motsadi. O rotloetsa batsadi ba gagwe ba kabo ditsha go tswelela ba thusa ba bangwe ba ba mo seemong se a leng mo go sone. BOKHUTLO society 9 Mahalapye o tlhaelelwa ke metsi Le fa dipula di tsweletse ka go gosomana mo dikgaolong dingwe tsa lefatshe leno, mo Mahalapye go bolelwa fa malwapa mangwe le maphata a puso jaaka dikole le dikgolegelo a tlhaelelwa ke metsi mo e bileng go emisitswe go dirisa matlwana a boitiketso a a dirisang metsi. Mothusa mogolwane wa dikgolegelo kwa Francistown, Rre Monkutlwatsi le megokgo ya dikole tse dikgolwane le tse dipotlana mo Mahalapye, ba re tlhaelo ya metsi e ba pateleditse go emisa go dirisa matlwana a boitiketso a a dirisang metsi le go nama ba emisitse go apeela bana dijo mo dikoleng. Ba boletse mo potsolotsong gore maphata mangwe a puso a sale a tlhaelelwa ke metsi ka Labotlhano wa beke e e fetileng, fa maphata a mangwe gammogo le dikole a simolotse go tlhaelelwa ke metsi maabane. Maphata a amilweng ke tlhaelo ya metsi ke la dikgolegelo,la dikitsiso, la Water Affairs, kokelo ya Mahalapye, dikole tse dikgolwane tsa Morale le Parwe le tse di potlana tsa Ngakaagae, Xhosa 1, Leetile, Fredrick le Flowertown. Ba re le fa seemo se tsweletse ka go bifela pele, gone ba setse ba kopile ba koporase ya Water Utilities le ba khansele go thusa ka dikoloi tse di ka ba isetsang metsi a a ka dirisiwang go apeela balwetse le bana ba dikole dijo le go dirisiwa mo matlwaneng a boitiketso. Lefa maiteko a go buisana le bagolwane ba koporase ya Water Utilities mo Mahalapye le Gaborone a retetse ntateng ya gore megala ya bone e ne e lela fela e sa arabiwe, gone go belalelwa fa mathata a tlhaelo ya metsi a bakilwe ke go thubega ga phaephe ntlheng ya motse wa Palla-road. Dipatisiso tse di dirilweng ke ba lekalana la BOPA mo motseng wa Mahalapye di supa fa seemo sa metsi se tla tokafala ka bonya mo letsatsing la gompieno ka jaana metsi a simolotse go rotha mo dikgotlaneng di tshwana le ya Mowana,Tshikhinyega le Xhosa 2. BOKHUTLO society 9 Tati Bophirima o leboga maiteko a puso Banni ba metse ya Botalaote, Toteng le Matenge, mo kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima ba lebogetse puso go tswa ka mananeo a dithuso aa farologaneng. E rile ba akgela mo diphuthegong tsa kgotla tse dineng di tshwerwe ke mopalamente wa bone, Rre Biggie Butale boaheng, ba tlhalosa fa ba itumelela Ipelegeng, nyeletso lehuma, Tirelo Setshaba le madi a bagodi, gareng ga mananeo a mangwe. Banni ba re mananeo ao a thusa Batswana go itshetsa. Ba ne gape ba lebogela puso go latlhela lentswana mo mading a bagodi, a badirela puso le a dikatso tsa tsa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse. Le fa gontse jalo, ba ne ba itela kwa pusong go sekaseka go oketsa madi a lenaneo la Ipelegeng. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Toteng, Mme Kebonang Oatlhotse o ne a kopa puso go netefatsa gore Ipelegeng e tswelela go ya go ileng. O ne a gwetlha puso go thapa baithaopi ba tsa sepodisi le banana ba ba mo lenaneong la Tirelo Setshaba mo ditirong tse ba leng mo go tsone, ka jaana ba setse ba tlwaetse e bile ba dira tiro ya bone ka botswerere Banni ba metse eo ka boraro, ba ne ba lebogela ditlhabololo dingwe tse di diragaditsweng le tse di tsweletseng ka go dirwa mo metseng ya bone. Ba ne ba ikuela mo pusong go ba thusa ka ditlamelo dingwe tse di santseng di saletse kwa morago. Mangwe a matshwenyego a bone ke tlhaelo ya barutabana mo dikolong tse di botlana le matlo a boroko jwa badirelapuso. Banni ba Botalaote le Toteng bone ba ne ba kopa gore go simolodisiwe thulaganyo ya dithuto tsa bananyana kwa sekolong se sebotlana sa Legola. Kgosi Kutlwano Matenge wa Matenge ene o ne a supa fa batho ba dikile ba lemile mme ka go tlhoka lesego pula e ne e le boutsana, a re ka jalo seo ke tlhagiso mo setshabeng go nna moko o thata go batla ditsela dingwe tsa go itshetsa le go fepa leruo. Mopalamente Butale o ne a itsise banni ka melao mengwe e e fetisitsweng kwa palamenteng, a bo a ba itsese fa pego ya madi a setshaba e supile fa madi a puso e a phuthang ka metlhale e e farologaneng a oketsegile go se gonene. Rre Butale a re seo se fa tsholofelo ya gore lefatshe leno le itharabologelwa ka bonya ka bonya mo kwelong tlase ya itsholelo e neng e apere mafatshe. A re mme fela ba tshwanetse go itse fa ditlhabololo tse ba di eleditseng di ka seke tsa diragadiwa tsotlhe nako e le nngwe. O ne a bolela fa lephata la thuto le la bosogo e le one a boneng serwe se segolwane mo kabong ya madi, mabaka e le go leka go tlhabolola matshelo a batho le go tlhomamisa gore botsogo jwa bone e nna jo bo itekanetseng ka dinako tsotlhe. Mo go tse dingwe, mothusa tona o ne a gakolola banni ba Botalaote, Toteng le Matenge gore ba sekaseke buka ya batlhophi go netefatsa gore maina a bone a mo teng. economy_business_and_finance 3 Go tlhoka tshwaragano go dia koporase go tswelela Mogolwane wa ofisi ya dikoporase kwa Mahalapye, Mme Keratwe Phatsimo a re le fa go dirilwe tsotlhe tse di tlhokwang, go tlhoka go tshwaragana ga maloko go paledisa koporase ya Ikongwe go tswelela. Mme Phatsimo o buile jalo kwa phuthegong ya kgotla bosheng e buisiwa ke mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele. Mogolwane o ne a tlhalosa fa maloko a koporase a setse a rutuntshitswe, sebe sa phiri e le gore ga ba kgone go kopana gore ba fiwe setlankana le dithuto tse di tlaa ba thusang go tswelela ba dira. Go ngodiega go ithaopa go supilwe e le sengwe sa dilo tse di kgoreletsang koporase go ema ka dinao. E rile a lekodisa morafe ka seemo sa motse, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Dikeledi Gaeneleng a re le fa maiteko a le teng a go thusa morafe go loga maano a go itlhotlhora lehuma le go itlhamela ditiro, sebe sa phiri ke go re mowa wa boithaopo o kwa tlase mo Ikongwe. “Ke tshwenngwa ke go tlhoka go ithaopa ga morafe wa motse wa rona. Ke lemoga e le sengwe se se re busetsang kwa morago.” Kwa Kodibeleng, Rre Makgalemele o rotloeditse morafe go ema ka dinao ba simolodise koporase gore ba kgone go itlhamela ditiro le go fokotsa lehuma. O ne a supa gore le fa go se na madi a a ntshitsweng go thusa koporase go simolola, go botlhokwa gore maloko a koporase a nne le mowa wa boithaopo mme ba koleke sengwenyana go simolodisa se ba batlang go se dira. Le fa go ntse jalo, Rre Makgalemele a re o tlaa tshwaragana le ofisi ya mokwaledi wa khansele-potlana ya Mahalapye, go tlhodumela mo letloleng la madi a lenaneo la ditlhabololo la dikgaolo tsa botlhophi gore dichenchi tse di ka bonwang di thuse go simolodisa koporase ya Kodibeleng. Le fa go ntse, go tlhalositswe gore koporase ya Kodibeleng e tlhamilwe ka ngwaga wa 2018. Modulasetilo wa Kodibeleng Multi-Purpose Cooperative, Mme Obusitswe Balemogeng a re letlhoko la madi le ba kgoreletsa go tswelela. “Re ne re solofeditswe madi, mme ga re ise re bone sepe,”ga tlhalosa Mme Balemogeng. Mme Balemogeng a re koporase e filwe setsha, mme sengwe sa dikgoreletsi ke gore ba tlhaela kitso ya go tsamaisa koporase. E rile a tsibogela kgang eo, Mme Phatsimo a supa gore maloko a koporase ya Kodibeleng ba setse ba rutuntshitswe, ka jalo letlhoko la madi ke lone le ba kgoreletsang go tswelela. “Ba rutuntshitswe pele ga ba ikwadisa. Le ka nako e ba neng ba fiwa setlankana ba ne ba rutuntshiwa gape. Gongwe modulasetilo o ka supa fela gore ba setse ba lebetse, ka jalo ba tlhoka go gakololwa tse ba neng ba di rutwa,” ga tlhalosa Mme Phatsimo. economy_business_and_finance 3 Banana ba rutwa ka tsamaiso ya kgwebo E rile bosheng banana ba kgaolo ya Nkange ba le masome a robabongwe le botlhano ba bo ba rutuntshiwa ka ditsela tsa go nna bagwebi ba ba botlana. Mo potsolotsong, rabanana wa kgaolo potlana ya Tutume, Rre Tlamelo Tsebe, a re se se tsile morago ga go bona bangwe banana ba tsena fela mo dikgwebong mme ba sa itse gore ba simolole fa kae. A re jaanong ithutuntsho eo, e file banana maitemogelo a go re fa ba simolola go tsena mo kgwebong, e ka tswa e le ya mofuta ofe fela, banne le ditsholofelo dife. Rre Tsebe o tsweletse a re, ba ne ba solofetse go rutuntsha banana ba le lekgolo mme ba kgonne go bona fela ba le masome a robabongwe le botlhano, ka go bo ba sa kgone go fitlhelela banana ba metse e e kgakala le ditlamelo. A re se se bakwa ke gore megala ya bone fa gongwe ga e tshwarege, gape fa gongwe fa ba tsaya matsapa a go ba latela ba itaya se folletse. Rre Tsebe a re, banana ba supile kgatlhego mo go se se rutilweng. A re mo teng ga ithutuntsho eo, go ne go na le banana ba ba setseng ba le mo dikgwebong tse di tsweletseng jaanong ba ba laleditse go tla go nna sekao, ga mmogo le go kgothatsa bangwe ka bone. A re mo difomong tsa ikopelo madi a banana, go na le fa go batlwang gore ke efe kgwebo e o e itseng kana kitso e o nang le yone ya kgwebo, mme bontsi bo supega fa bo sa kgone go bona dithuso ntateng ya seo. Jalo ba bone go tlamega go tswa ka mogopolo wa ithutuntsho go thusa go tlhatlhelela banana ba ba eletsang go tsena mo dikgwebong. education 4 Banni ba lela ka tsa botsogo Banni ba Goo-Sekgweng ba re ba tshwenyegile ka letlhoko la ngaka, koloi le dipilisi kwa kokelwaneng ya bone. Kgosi Ontibile Ramatakana a re banni ba motse wa gagwe ba bona dithuso tsa botsogo kwa Goo-Tau, mo go tlhokang madi a sepalamo. Kgosi a re go tlhoka koloi go ba beile ka fa mosing ka baoki le balwetse ba sa bone thuso e ba e tlhokang ka potlako. A re banni ba Goo-Sekgweng ba ne ba ngongorega ka letlhoko la dipilisi mo kokelong ya bone segolo jang balwetsi ba madi a matona le sukiri. Balwetse ba, ba patelesega go nna ba ya kwa motseng o o mabapi go ya go tsaya dipilisi, mme fa di seyo ba patelesega go di latela kwa Palapye. Kgosi Ramatakana o ne a kopa Mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala, Rre Setlhabelo Modukanele go ba thusa go rarabolola mathata ao. Fa a tswa la gagwe, mopalamente o ne a solofetsa go tsaya matshwenyego otlhe a bone mofago go a isa kwa go ba ba lebaneng. A re Batswana ba tshwanetse go latelwa ke ditlamelo, e seng bone ba di latela. health 6 Balemi ba rotloeditswe go tsaya ditshupo ka tlhwaafalo Mogolwane kwa lephateng la thotloetso temo-thuo ya tsa kgwebo o gateletse botlhokwa jwa go tsaya ditshupo ka tlhwaafalo go tokafatsa disupiwa. Mme Mitchel Molemogi o buile jalo mo potsolotsong kwa ditshupong tse di sa tswang go wela tsa kgaolo potlana ya Lentsweletau. A re ditshupo di mosola ka di di fa balemi barui sebaka sa go ithuta mo go ba bangwe le go tsaya botsipa. A re balemi ba tsaya malebela kwa ditshupong gore ba ithute go tokafatsaa temo ya bone le go ntsha dijwalo tse di nang le boleng. O tladitse ka go supa fa go ya ditshupong go kopanya balemi ga mmogo le go tsaya megopolo e e maleba mo go ba bangwe. A re gape fa balemi ba tseneletse ditshupo. ba nna le sebaka sa go bapatsa temo ya bone mo bareking, ka jalo e nna sebaka sa gore ba bone dipoelo ka go tswa mo bareking ba le bantsi. Mme Molemogi a re gape ditshupo di fa bagwebi phadisano e e kwa godimo gore ba kgone go tokafatsa dikgwebo tsa bone. A re dikgaisano tsa temo-thuo di fa barui kgothatso fa ba dirile sentle, mme seo se ba tiise moko go tswelela ba dira ka natla nako tsotlhe. O tsweletse a kopa bagwebi ba temo-thuo go etela lephata la bone go tsaya dithuto tse di maleba tsa kgwebo. A re lephata la bone le fa bogakolodi jwa go tsamaisa kgwebo ya temo-thuo le go baya dibukana go bona ka fa kgwebo e tsamayang ka teng. O rotloeditse balemi go lema dijalo tsa boleng jo bo kwa godimo gore ba kgone go roba temo e e nonofileng ebile e na le dipoelo. A re gape ba tshwanetse go lema go le go ntsi gore ba kgone go rekisa lefatshe lotlhe, ka jalo ba fokotsa selekanyo sa dijo tse di rekwang kwa mafatsheng a sele. Mongwe wa bagwebi ba ba neng ba tseneletse ditshupo tseo, Mme Sarah Mosarwa, a re ditshupo di mosola mo go bone ka di ba fa sebaka sa go ithuta dilo tse di farologaneng mo go ba bangwe. Ka jalo, a re o ithutile go le gontsi ka temo ya merogo e a reng e batla bopelotelele ka nako tse dingwe seemo sa bosa se sa iketla mme merogo e fisiwe ke letsatsi kana go senngwa ke pula. Mme Mosarwa a re gape o lemogile gore go mosola gore e le bagwebi ba ikopanye ka ditlhophana ka go dira dikoporasi tsa temo. A re dikoporasi di tiisa bagwebi moko ka ba kopanela kgwebo mmogo mme ba nne le sebaka sa go fana dikgakololo tsa go itokafatsa. O rotloeditse bagwebi ba bangwe go nna ba tsenelela ditshupo gore le bone ba nne le sebaka sa go itse gore go iragala jang le gore di ka ba sologela molemo jang. Mongwe wa ba ba neng ba ile ditshupong tseo, Rre Balibi Mokone a re o itumeletse gore dijalo le leruo tsedi supilweng ke tsa boleng jo bo kwa godimo, selo se a reng se supa fa ba tsaya temo ka tlhwaafalo. Le fa go ntse jalo, a re o tshwentse ke gore ditshupo tseo ga di na maitiso a a lekaneng, ka jalo babogedi ga ba na se ba itlosang boduto ka sone. A re go ka tokafadiwa ka mabelo a dipitse le a batho go ngoka bontsi. Ka jalo, ditshupo tseo di ka busa dipoelo tse di ka di tlhabololang. economy_business_and_finance 3 Banana ba Sabata ba itlama go boloka matshelo Moruti Pelonomi Radihephi wa Sabata kwa Selebi Phikwe a re ba bone go le botlhokwa go aba madi a mmele go boloka matshelo. Moruti Radihephi a re ga se la ntlha Sabata e dira tiro ya go nna jaana. O ne a bolela jalo kwa letsatsing le banana ba kereke eo ba neng ba abela ba lephata la botsogo madi kwa Re ka Kgona Rehabilitation Centre mo Selebi Phikwe ka Matlhatso. Moruti Radihephi a re o gwetlha dikereke tse di iseng di simolole go aba madi a mmele go dira jalo ba ikaegile ka lefoko la Modimo le le reng ngwana wa Modimo o tshwanetse go kgathala ka matshelo a ba a tshelang nabo go fokotsa selelo sa letlhoko la madi a mmele kwa dipateleng. Moruti Radihephi a re banana ba le masome a a ferang bobedi ba Sabata ba ne ba ithaopela go aba madi a mmele, a re se sengwe se ba se lebileng ke go kgothatsa banana go tlhokomela botsogo jwa bone ka mo nakong ya gompieno banana ba lebanwe ke dikgwetlho tsa botshelo di tshwana le tlhakanelo dikobo e e sa sireletseng. Mongwe wa badiri go tswa kwa Francistown kwa lekalaneng la kabo ya madi a mmele, Rre Dick Rakereng o tlhalositse fa Batswana ba santse ba goga dinao go aba madi a mmele. Rre Rakereng a re bontsi jwa madi a mmele ba a tsaya kwa dikoleng le mo dikhamphaning tse di ikemetseng ka nosi, a re ba setse ba na le maina a batho ba ba abang madi nako le nako jaaka Ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Amogelang Mojuta. A re ba setse ba na le megala ya bone mo ba kgonang go ba itsese ka lenaneo la bone gore ba tlaabo ba ya kwa mafelong a bone leng. Rre Rakereng a re go motlhofo go bona madi a mmele mo baneng ba dikole ka ba nna ba le teng e bile bontsi jwa bone ga ba na malwetse a a ka ba kgoreletsang a tshwana le madi a matona le a sukiri. Rre Rakereng a re go aba madi a mmele go tlhoka gore motho a bo a na le bokete jwa mmele jwa masome a matlhano go ya kwa godimo, a bo a le ngwaga tse di lesome le borataro go ya kwa go tse masome a mararo le botlhano. Gape are moabi wa madi a mmele a bo a itekanetse mo mmeleng gape motho o tshwanetse a bo a jele pele ga a aba madi. E rile a tswa la gagwe, Rre Mojuta a re nako e gorogile ya gore Batswana ba itshupe ka bontsi mo go abeng madi a mmele. Ratoropo o ne a tlhalosa fa dikotsi tsa tsela di diragala letsatsi le letsatsi, a re se se raya gore batho ba latlhegelwa ke madi a mantsi mme e le yone nako e batho ba tlhokang thuso ka yone. Kwa bofelong ratoropo le ene o ne a nna le sebaka sa go aba madi a mmele, mme a tlhalosa fa e le lekgetho la bone a ntse a dira jalo. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Maduo a wetse tlase Mothusa mogokgo wa sekole sa Magare sa Pandagala kwa Tutume, Mme Chedu Seeletso, a re maduo a sekole seo a 2013 a wetse tlase ga go tshwantshanngwa le maduo a ngwaga wa 2012. Mme Seeletso o buile seo mo phuthegong ya batsadi le barutabana kwa sekoleng seo bosheng. A re ka 2012 maduo a A, B le C e ne ele 79.7% fa a ngogola e ne e le 74.9%, mme mo godimo ga moo baithuti ba le 120 mo go baba 171 ba ba neng ba kwala lokwalo lwa boraro, ba kgonne go bona phatlha kwa sekoleng se segolwane mme mo go bone go le ba ba tsereng maduo a D. O ile a tlhalosa fa seo se ne sa baya sekole mo maemong a botlhano mo dikoleng tse di lesome le bobedi tse di mo kgaolong ya Tutume, fa mo kgaolong ya Legare se le mo maemong a masome a mararo le bone mo dikoleng tse di masome a robabobedi le bongwe. Mme Seeletso o tsweletse a bolela fa mo maduong ao go supagala fa baithuti ba basimane ba wetse tlase thata kana e le bone ba ba sa dirang sentle go na le ba basetsana. A re fa ba sekaseka, ba lemogile gore bontsi jwa baithuti ba basimane ba ba sa direng sentle, e le bao ba ba robang melawana ya sekole, ba sa tsene sekole sentle. Mme Seeletso o ile a kopa batsadi go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana le go leka go bontsha bana ba basimane tsela, le go ba lemotsha botlhokwa jwa thuto. O ile gape a kopa batsadi go lebelela tiro ya bana ya sekole, ka go kile ga nna le kgang ya gore barutabana bangwe ba dithuto dingwe ba laela baithuti go kopolola mokwalo mo dibukeng ba sa ba tlhalosetse. Mogokgo wa sekole seo sa Pandagala, Mme Thandie Motlhagodi, o ile a kopa batsadi go duela madi a sekole le madi a letlole la PTA. A re ka gompieno go dirisiwa maranyane a sesha, ba ka duela madi a sekole gongwe le gongwe mo lefatsheng fa go nang le sekole se segolwane. O ile a supa fa ba tshwenngwa ke tshenyo e e dirwang ke baithuti mo dithotong tsa sekole, a re seo ke poelo morago. Batsadi ba ne ba supa le bone ba tshwentswe ke kwelo tlase ya maduo, ba re gongwe e ka tswa ele go fetolwa ga lenaneo la dithuto mme seo se tsietse baithuti. BOKHUTLO education 4 Dikole tsa diatla di thusa mo-na-le bogole E rile ka mafelo a beke, dikole tsa ditiro tsa diatla tsa Madiba Brigades, Zwenshambe Brigade le Maun Techinical College tsa abela mo-na-le bogole dikobo le dijo kwa kgotleng ya Madiba 14 kwa Mahalapye. Fa a bua kwa moletlong wa go abela Thebeyame Moilwa yo o dingwaga di lesome le borobabongwe, Kgosi Rabuwe Montwedi a tlhalosa fa go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong e le selo se segolo fela thata. Kgosi Montwedi a re ga go a tshwanela gore e re motho a bona yo a bapileng le ene a sena sepe a tlhoke go mo thusa ka go le sego letsogo le le abang. O ne a leboga boeteledipele jwa dikole tseo go bo ba seka ba ipona tsapa mme le bone ba batla go nna le seabe mo setshabeng, ka go abela ba bangwe, a tlatsa ka gore o solofela fa se ba se dirileng se tlaa gola. E rile a tswa la gagwe, mogolowane go tswa kwa Madiba Brigades, Rre Tshobowe Ntsaagae a tlhalosa fa mo go simologile e le toro e ka yone ba eletsang go e diragatsa. Rre Ntsaagae o ne a tlhalosa gore e le ba dikole tsa ditiro tsa diatla ba nna le bokopano jo ka jone ba nnang le metshameko ya botsalano mme ba ikaelela gore botsalano jo ja bone e re fa ba kopane ba ne ba thusa setshaba se ba tshelang le sone. A re fa ba kopane ka metshameko e ba kgaogana dikitso le go fana maele a gore ba ka direla setshaba eng go bona gore le bone ba nna le seabe mo mafokong a boeteledipele jwa lefatshe gore batho ba thusane. A re ba ne ba dira tiro e e ntseng jaana fa ba etetse kwa Maun mme le bone e le ba Madiba ba kgothatsana gore nako e, metshameko e e tsileng mo go bone ba bone gore ba dira sengwe. Fa a bua maikaelelo a metshameko e, mokwaledi wa komiti e e rulagantseng letsatsi leo Mme Boitshwarelo Moseki o ne a tlhalosa fa maikaeleo a bone e le go rotloetsa botsogo jo bo siameng, go itshidila mmele ka mesthameko, mabelo le tse dingwe. Mme Moseki a re gape fa ba tshwere metshameko e, ba fana maele a gore ba ka direla setshaba eng, le bone ba thusa ke ka moo ba boneng go le mosola go abela Thebeyame. A re se ba se dira fela ka lorato, mme ba ne ba ikopanya gore mongwe le mongwe a ntshe ‘Thebe’ go rekela dilwana tseo tse di akaretsang dijo, materase le dikobo go thusa Thebeyame ka e le ene yo ba mo tlhophileng. Mme Moilwa a re e le ba Madiba, maiteko a, ke a bone a ntlha mme ba solofela go dira go feta mo nako e e tlang, a tlatsa ka gore ke ka mowa wa lerato fela ba kgonneng go dira jalo. Letsatsi le le ne la ketekwa gape ka metshameko ya bolotlowa, kgwele ya dinao le mabelo le tse dingwe. society 9 Makhanselara a atla maiteko a SPEDU Lekalana la kabakanyo itsholelo, le le itsegeng thata ka leina la SPEDU kwa toropong ya Selebi Phikwe, le akgoletswe maiteko a lone a go tsaya megopolo e e ka tlhabololang batho ba kgaolo potlana ya Bobirwa. Kakgolo e e dirilwe ke makhanselera a kgaolo potlana eo mo phutheong ya khansele potlana ya Bobirwa. Makhanselera a re moono wa lekalana leo o ka phophomisa itsholelo ya batho ba kgaolo eo le go direla banana ditiro. Baemedi bao ba gakolotse go re banana ba rutwe ka boitsaneape jwa tsamaiso ya dikgwebo jaaka tsa bojanala le temothuo. Ba file sekai sa go re kwa dipolaseng tsa Tuli Block, bogolo jang kwa polaseng ya Talana, batswakwa ke bone ba tshwereng maemo a a kwa godimo ka gore, ba na le boitseanape jwa go tsamaisa kgwebo ya temo. mananeo a a buiwang. Ba ne ba ntsha mogopolo wa gore dikhansele di neelwe sebaka sa go tswela kwa ntle go tsaya malebela kwa mafatsheng a mangwe go ithuta kabakanyo itsholelo. Ba re maikaelelo a SPEDU a tlhoka gore maphata a puso le dikompone tse di ikemetseng,a tshwaragane le lekalana leo go tlhabolola kgaolo eo. Le fa go ntse jalo ba ngongoregile ka dipolase tse di sa leng di phuaagantswe ke beng ba tsone gaufi le noka ya Limpopo, ba kopa puso go di neela Batswana go di dirisa. . Mogolwane yo o lebaganeng le ditiro tsa SPEDU, Rre Theodore Seemule, o ne a tlhalosa gore matlhagolatsela a go tlhabolola temo ya nosetso kwa Bobirwa a setse a dirilwe, e le tekeletso mme e bile lephata la madi le ditogamano tsa ditlhabololo, le ntshitse P6 million, go tsamaisa tiro eo mo dingwageng tse pedi go ya kwa go tse tlhano. A re P12.8 million a ntsheditswe go tsenya motlakase kwa masimong a a kwa tlase ga noka ya Motloutse. Rre Seemule a re ke maikaelelo a bone go thusa kgaolo eo le lefatshe la Botswana ka bophara moono ka mananeo a go iterela dikgwebo, ka temothuo, Bojanala le tse dingwe tse ba ka itshetsang ka tsone.Bokhutlo politics 7 Swartz ga a itumedisiwe ke maduo Mopalamente wa Ghanzi Bokone, Rre Johnnie Swartz, a re maduo a ditlhatlhobo kwa dikolong mo kgaolong ya Ghanzi a wetse kwa tlase. Mopalamente o buile mafoko ao fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Grootlagte, Qabo le kgaolwana ya Khurakhura mo Ghanzi. A re go wela tlase ga maduo go dirwa ke gore batsadi ga ba a tshwaragana le barutabana. Rre Swartz o boletse fa thuto e le yone bokamoso jwa bana, ka jalo batsadi ba tshwanetse go e emela ka dinao le ka tlhwaafalo go betlela bana isago e e eletsegang. Rre Swartz, go gape e leng Tona wa Dikago, Maranyane le Boitsaanape, a re se se utlwisang botlhoko ke gore pego e supa fa botsadi bo sena seabe mo thutong ya bana ba bone le gore ga ba dirisanye le barutabana ka di nako tsotlhe. Mopalamete o ne a rotloetsa batsadi go tsenya letsogo mo dikomiting tsa batsadi le barutabana gore maduo a kgaolo ya Ghanzi a tsholetsege. Mopalamente o ile gape a kopa banni ba metse eo go dira dikoporase mo metseng ya bone ka jaana dikoporase dina le dipoelo tse di botoka ebile di kgona go tlhabolola matshelo a batho. Rre Swartz o ne a galaletsa maloko a koporase ya motse wa Grootlagte le Chobokwane ka go agela batlhoki matlo ka dipoelo tse ba dibonyeng. A re maloko a Grootlagte ba aga matlo ale mane fa kwa Chobokwane ba agile a le lesome le bongwe. O ne gape a kgothatsha banni bao go dirisa lenaneo la Re a Nyalana ka gore mo Kgaolong ya Ghanzi go supega fa bontsi jwa batho banna mmogo ba sa nyalane, mme e re yo mongwe a tlhokafala go tsoge dikgang. E rile a itebaganya le dilelo tsa banni ba Qabo le Grootlagte, mopalamente a tlhalosetsa banni bao fa puso e tshwentswe thata ke tlhaelo ya matlo a badirelapuso. Rre Swartz a re puso e ne ya kopa Batswana go aga matlo gore ba kgone go hirisetsa badirelapuso. Le fa go ntse jalo, o ne a kopa banni ba metse eo go ya go adima madi kwa mabolokelong gore ba kgone go aga matlo go itshetsa; le gone go dirisa mananeo a puso sentle gore a tle a ba solegele molemo. Banni ba Grootlagte le Qabo bone ba ne akgela ba ngongorega thata ka tlhaelo ya metsi. Ba re ba palalelwa ke go tsaya mananeo a puso ntateng ya letlhoka la metsi; e bile ba kgala thata Water Utilities Corporation, ba supa fa e le yone e ba tletseng ka bothata jo.Bokhutlo education 4 Ontathile wa Dimajwe o bonwe Kgotla ya Dimajwe e ne e tletse sephetsa, itlho la ga Rakeobokile ka Matlhatso morafe o tsile go itseela bosupi mapodisi a a rola Peter Ontathile yo o neng a na le kgwedi a sa bonwe. Go nyelela ga lekawana le la dingwaga tse di masome mabedi, go ne ga tsosa mekubukubu mo motseng o bosheng mo mohiri wa gagwe a neng a ketekwa koloi ya gagwe ya bo ya jewa ka molelo. Go tla ga gagwe fela jaaka go nyelela ga gagwe, go ne ga ngoka banni ba motse ka dipalo tse di kwa godimo, ba ba neng ba leta lobaka lwa dioura tse nne mo kgotleng, selo se se neng sa batla go tsenya tlhobaelo mo go bangwe. Mme ya re pele ga letsatsi le phirima mapodisi a goroga ka Ontathile, bontsi jwa goa ka boitumelo. Mogolwane wa mapodisi a Serule, Rre Lesole Mosimane o ne a kopa gore Rre Ontathile a tlhalosetse morafe gore o tswa kae, ka ba ne ba tshwenyegile ka ene. Lekawana le le ne la tlhalosa fa le ne la ya Tonota go ya go rutwa go kgweetsa terekere ke rre Sebetso Kgokong, mme e rile morago ba simolola go lema mmogo. Morago, terekere ya senyega, ka jalo a kopa go boela morago mme mohiri a dumalana le ene. Ya re Rre Kgokong a sale kwa morakeng, Onthatile a rwala dithoto, maikaelelo e le go leba Dimajwe, ntswa a ne a se na madi. “Ka kopana le Rre Keithome Ramosesane fa mapalamelong a dikoloi mo Tonota, mme a mphira. O ne a nkisa kwa morakeng kwa Lebunyane, ka kwa Letlhakane. Ke gone kwa ke ntseng ke le teng.” Ya re a ntsha la gagwe, Rre Ramosesane a rurifatsa fa a ile a kopana le Ontathile fa mapalamelong a dikoloi mme ba buisana ka tsa tiro, a mo thapa. “Ke ne ke ntse ke itse Peter ka a kile a bereka kwa morakeng wa me ka 2014. Ya re ka 2015 a bo a re o ya go tlhola batsadi, a ba a tsamela ruri. Ka a ne a ntlhalosetsa fa tiro e fedile kwa ga Rre Kgokong, ka mo hira.” Ka jalo a isa Onthatile kwa morakeng kwa Lebunyane, kwa a kileng a berekela teng. Mme ya re ka Labotlhano a tswa morakeng a bona gore go na le mongwe yo o kileng a leka go mo leletse mo mogaleng wa letheka, a leletse nomoro ya teng. “Ke fa ke fitlhela e le rre wa tsala ya me, a mpolelela fa a badile polelo mo DailyNews mme a belaela motho yo o batlwang e le mmereki wa me.” A re o ne a tlhanyega a ba a ikisa kwa mapodising a Tonota, kwa a ileng a rurifatsa fa tota e le mmereki wa gagwe yo o batlwang. Ka jalo ba itshwaraganya le mapodisi a Serule ba ba tshwereng kgang e, go bona gore lekawana le ya go tsewa. O ne a tlhalosa fa lekawana e rile go tswa kwa ga Rre Kgokong la tshwaratshwara mo Hardware nngwe mo Tonota pele ga le kopana le ene, mme go lebega bokete jwa tiro bo ne jwa mo koba. Rre Mosimane a re tiragalo e, e tshwanetse go ruta botlhe gore go laela go botlhokwa ka go hema dikgogakgogano. A re le fa motho a tlogela tiro o tshwanetse go laela go sa kgathalesege gore seemo ke sefe. Supt Mosimane a re o lemogile gore batho ba ba nnang kwa merakeng ba na le go tsamaya fela mme mohiri a sale a le mo mathateng, go batlwa motho mo go ene. Rre Mosimane a tlhalosa gore palo ya ba ba tshegeditsweng go thusa ka ditlhotlhomiso e oketsegile go nna masome mabedi le borataro, borre ba le lesome le boferabongwe le bomme ba supa. Rragwe Peter le malomaagwe ke bangwe ba ba tshegeditsweng. “Ntswa ngwana a bonwe, re santse re na le dikgang di le dintsi le bangwe ba Dimajwe. Ga gona ope yo o tshwanetseng go itseela molao mo diatleng. Re tsile go tsaya dikgato tse di maleba mabapi le kgang e,” Rre Mosimane a tlhalosa. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Sakwape o ruta ka ditlhopho Mogolwane wa ofisi ya ditlhopho kwa Bobonong, Rre Segopotso Sakwape a re molao wa tsamaiso ya ditlhopho ga o kake wa akaretsa sengwe le sengwe se batho ba se akantseng. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla mo Bobonong beke e e fitileng a ruta banni ka tsamaiso ya ditlhopho, o boletse fa setshaba se tshwanetse go itse molemo le bosula, le ka fa ba tshelang ka teng gore tsamaiso ya ditlhopho e tsamae ka thelelo. Rre Sakwape a re ditlhopha dingwe di tshwana le bagodi, bana-le-bogole, kgotsa bomme ba ba itsholofetseng, ba tshwanetse go fiwa sebaka sa go tlhopha pele gore ba seka ba ema mo meleng nako e telele, go lebeletswe seemo sa bone, a tlhalosa fa seo se sa akaretswa mo molaong wa ditlhopho. A re ka setho sa Setswana batho ba ba tshwanetse go fiwa sebaka ke ba ba mo meleng, mme go sena molao o o reng ba fiwe sebaka sa go ka tlhopha pele. A re Batswana ga ba a tshwanela go latlhegelwa ke setho sa bone mme ba tshwanetse go tswelela ba isa tlotlo fa e tshwanetseng teng. Rre Sakwape o ne a araba bangwe ba banni ba ba neng ba batla go itse gore a ga gona molao o o pateletsang gore batho bangwe ba diemo tse di rileng ba fiwe sebaka sa go tlhopha pele. A re mme go fa batho ba go nna jalo sebaka sa go tlhopha pele go tsala maikutlo a a farologanyeng, bogolo jang mo bananeng bangwe ba ba atleng ba supe fa bas a itumedisiwe ke thulaganyong ya go nna jalo. Le fa gontse jalo, o ne a kopa banana go leka ka bojotlhe go tshegetsa mowa wa setho. Rre Sakwape a re kwa mafatsheng a mangwe a tshwana le a Zimbabwe bagodi, dingaka, bana-le-bogole le bomme ba ba itsholofetseng ga ba eme mo meleng mme ba fiwa sebaka sa go tlhopha pele go sa kgathalesege gore ba tsile pele kgotsa morago. Le fa go ntse jalo o tlhaloseditse banni fa lephata la ditlhopho le dirile diphethogo mo tsamaisong ya ditlhopho go fokotsa mosuke fa go tlhophiwa. O kaile fa maina a rulagantswe ka go latelelana, ka difane mme se, se tla thusa gore go nne bofefo go batla maina a batlhophi e bile go tla fefosa tiro ka letsatsi la ditlhopho. Lekgotla la ditlhopho gape le simolodisitse dipampitshana tse di tla thusang go tsaya dipalo fa ditalama di balwa. A re se, se tla thusa gore maduo a gololwe ka pela. Fa ama ya mebala le dikapetlana tse di tshwantshitsweng mo dikoloing tsa bontlhopheng le diphathi, a re dikoloi tsa go nna jalo ga di letlelelwe go ema lebaka le le leele mo matlhopelong fa di tsisitse batlhophi. A re se, se dirilwe ka gore letsatsi la ipapatso le fela bosigo mme seo se ka se letle beng ba dikoloi go kgobola mekgabisa ka e mengwe e dirilwe ke bo maitseanape fa tse di ngwe e le tsa sennela ruri. O kopile batlhophi go ela tlhoko gore ditalama tsa ditlhopho ga di kwalwe maina a bontlhopheng mme go kwalwa a diphathi le dikano tsa tsone, a tlatsa ka gore le bontlhopheng ba baemanosi le bone ba na le dikano tsa bone. Rre Sakwape o mo letsholong la go ruta banni ba dikgaolo tsa Bobonong le Mmadinare ka tsamaiso ya ditlhopho mme o rotloetsa banni go tlhopha ka dipalo tse dintsi ka kgwedi ya Phalane ele masome a mabedi le bone.Bokhutlo politics 7 Mokhanselara o kgalela banni go tlhopha diphuthego Banni ba Lerala ba kopiwa go tsena diphuthego tsa kgotla ka jaana go le botlhokwa go rerisanya ka dikgang tse di amang motse le go utlwa ka mananeo a puso. Mokhanselara wa Lerala Bophirima, Rre Gabagopolwe Sebele, o boletse fa a sa jesiwe diwelang ke banni bangwe ba Lerala ba ba moriti o tsididi fa go tla mo go tseneng diphuthego tsa kgotla mme a supa fa seo se sa siama gotlhelele. Rre Sebele o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Lerala bosheng. O ne a tlhalosa fa bontsi jwa batho ba latlhegetswe ke melaetsa e le mentsi e e botlhokwa ka mabaka a go tlhoka go tsena diphuthego tsa kgotla gammogo le go tlhopha gore phuthego e buisiwa ke mang. Ka jalo Rre Sebele o kaile fa a lemogile gore go sa tseneng diphuthego ke bolwetse jo bo wetseng Botswana ka kakaretso. O ne a gwetlha banni go ikitaya ka thupana ka a re ke nako ya go aga motse mme se se ka diragala fela fa botlhe ba ka tsena diphuthego tsa kgotla. Rre Sebele o rotloeditse botlhe go emela dikgang tsa motse wa bone ka dinao le go dira mmogo gore ditlhabololo di seka tsa ba tlola politics 7 Rammidi o akgotswe Mogolwane wa tsa thibelo mogare wa HIV le kganelo bolwetse jwa AIDS mo lephateng la botsogo, Mme Chipo Petlo o galaleditse Mme Ouma Rammidi yo o ntseng a le mo mosepeleng ka baesekele go tlhagisa bomme ka botlhokwa jwa go itlhatlhobela kankere ya molomo wa popelo. Mme Petlo o ntshitse dikgalaletso tse mo moletlong wa go amogela Ouma yo e rileng kgwedi ya Motsheganong e robabodedi monongwaga a palama tshipi a tsena mo tseleng go ralala lefatshe la Botswana, a eme kgotla le kgotlana go ruta le go gakolola Batswana ka kankere ya molomo wa popelo. Mo mosepeleng o go ne go na le itlhatlhobelo bolwetse jwa kankere ya molomo wa popelo. “Ke motlotlo go kopana le lona matlho a phage a lebanye.Setswana sa re mosadi ke thari ya setshaba.O supile seo ka go emela bomme ka dinao o ba rotloetsa go boloka matshelo a malwapa a bone. Ke ipelafatsa ka wena, o pinagare ya lwapa la gago le bokamoso jwa lefatshe le,” a bua jalo. O ne a gakolola phuthego go itlhaganelela go itlhatlhobela bolwetse jo ka thibelo e le botoka go na le kalafi. A re lephata la gagwe le kgonne go lwantsha bolwetse jo ka go ipaya pele matshego a tshwana le go kenta basetsana ba ba dingwaga tse di robang bongwe ka HPV, go tlhatlhoba bomme ka mofine o o botjarara le pap smear, go tsaya motlhala o o kayang fa ditirelo di goroga kwa bathong le go isa molaetsa wa thibelo kwa bathong botlhe. O tsweletse a re lephata la gagwe le kgonne go dira se mme le santse le saletse morago ka go fitlhelela dikgaolo tse di kgakala. “Ke dumela gore fa re ka tswelela ka go bereka mmogo re tlaa fenya mmaba yo, mme e bile phenyo e gaufi,” o ne a rialo. E rile a tswa la gagwe, Mme Rammidi a supa fa a nnile le mosepele o o neng o se motlhofo, o tletse dikgwetlho. “E re le fa nne go se motlhofo, letsapa le iteleketse, mowa o batla mme nama e le bokowa, lorato le ke nang le lone mo bathong le ile la nkgoga,” ga bua Mme Rammidi. Mme Rammidi o kaile fa a ne a latlhegelwa ke mmaagwe ka ntata ya kankere dingwaga tse di masome mabedi tse di fetileng. A re o itse kutlobotlhoko le bohutsana jwa go oka molwetse wa kankere, ke sone se a neng a bona go tshwanela go thusa bomme ba bangwe gore ba malwapa a bone ba seka ba kopana le se a kileng a se ralala. “Go botlhoko go bona mme a latlhegelwa ke mmele mo nakong e khutshwane, a opelwa ke botlhoko ka matsatsi, a bo a felela a re tlogela. Ga ke rate ope a ka feta ka seemo se,” o ne a rialo. Mme Rammidi a re o sale a simolotse loeto le la go palama baesekele a gasa molaetsa ka 2013 mme o setse a kgonne go ama le go fetola matshelo a mantsi mo metseng e tshwara makgolo a marataro le bosupa. O boile a gakolola batho go fetola maitsholo le mekgwa, go ikatisa le go dira tsotlhe tse di ka fokotsang diphatsa tsa go tsenwa ke kankere. health 6 Mokgatlho wa banana o thusa balwetse Mokgatlho wa banana oo bitswang Botswana Youth for Social Development Association o tsere tshwetso ya go thusa balwetse ka dijo tsa motshegare fa ba emetse thuso ya bongaka kwa kokelong ya Princess Marina. Mokgatlho oo o tlhamilwe ke Rre Kgololo Mmipi le Busiwa McBrain-Mpungose ka ngwaga wa 2017 ba thusiwa ke banana ba Anglican Diocese of Botswana. Rre Mmipi o boletse mo potsolotsong fa ba lemogile gore bangwe ba balwetse ba etelang kokelo ya Princess Marina letsatsi le letsatsi ba a bo ba tswa kwa ntle ga Gaborone. A re ga se botlhe ba ba nang le madi a go reka dijo fa baemetse thuso. Rre Mmipi o tlhalositse fa mokgatlho o tlhametswe go thusa ka mananeo a sennela ruri a a ka tlhabololang banana, baithuti le go thusa banana ba ba sa tlholeng ba tsena dikole e bile ba sa bereke. A re ba ikaelela go dira gore ba ba tlhokileng lesego e bile ba sa kgone go itirela ba bone dithuso ka nako gore le bone ba nne le tsholofelo. A re seo se ka thusa gore ba ba kgakala le ditlamelo ba tswe mo lehumeng mme itsholelo ya lefatshe e tokafale. Rre Mmipi o boletse fa mokgatlho oo o na le maloko a a ikwadisitseng a le masome a mabedi le bosupa. A re gole gantsi bangwe ba ba tsileng go kopa thuso ba ne ba nna ba kopa thuso ya madi a sepalamo go boela kwa mafelong a ba tswang kwa go one ebile ba nna ba lela ka tlala mme seemo seo sa ba gwetlha go tlhama mokgatlho. A re ba ne ba nna ba neela balwetse madi fa ka bangwe ba bone ba ne ba tlhalosa fa ba rekile dijo ka madi a sepalamo ebile ba nna kgakala gape ba supa fa ba tlhola letsatsi lotlhe ka tlala ba emetse thuso. Rre Mmipi o tlhalositse fa mokgatlho o, o dumela fa lehuma le na le ditlamorago tse di ka amang itsholelo le ka fa motho a ka akanyang ka teng le ka fa a tsayang ditshwetso dingwe tsa botshelo, ka jalo ba itlamile go thusa ba ba tlhokang. O boletse fa ba bona thuso go tswa mo mekgatlhong ya dikereke ka go farologana, makgotlana a a ikemetseng le dikhamphani. BOKHUTLO society 9 Kgomo ke mokwatla wa itsholelo ya Ghanzi Mopalamente wa kgaolo ya Ghanzi Bokone, Rre Noah Salakae, a re kgomo ke mokwatla wa itsholelo ya banni ba kgaolo ya Ghanzi. A re banni ba dirisa kgomo go duelela bana dikolo, tsa botsogo le go tsamaisa matshelo a bone. A re mohama wa thuo ya kgomo o nna thata ka tlhwatlhwa ya kgomo e sa gole mme se se ketefalela Batswana ka ba itshetsa ka go rekisa kgomo go inamola mo dikgwetlhong tsa botshelo. Mopalamente a re fela jaaka banni ba Ghanzi ba ne ba mo romile go isa matshwenyego a bone kwa palamenteng mabapi le thuo ya kgomo, a re o setse a dirie jalo ka go bua le dikomiti tse di farologaneng tsa palamente le go bua ba matlhabelo a Botswana Meat Commisssion. A re o kopile gore go fiwe barui diteseletso tsa nakwana go rekisa dikgomo tsa bone kwa ntle ga lefatshe leno puso e santse e batla tharabololo ya mathata a mohama wa thuo ya kgomo, mme a re kopo ya gagwe e ne ya seka ya atlega. Go itebaganya le seemo seo go ya pele, Mopalamente Salakae a re o ne a kopa gore puso e bule mmaraka wa go gweba ka kgomo le ditsa yone fela jaaka mehama e mengwe ya itsholelo e tshwana wa diteemane le ya tsa ditlhaeletsano. A re go dira jalo go tlaa tlisa phadisano mme Motswana o tlaa nna le sebaka sa go ikgethela kwa a ka rekisang kgomo ya gagwe teng a lebeletse ditlhwatlhwa tsa mmaraka mme a re ga ba a dumalana gape mo ntlheng e. A re lekalana la BMC le le filweng dithata tsa go tsamaisa mohama wa nama ba kopile gore ba fiwe sebaka go dira ditshekatsheko mo mohameng wa nama le ka go rekisa ko ntle ga lefatshe leno mme ba tlaa ntsha pego mo bogautshwaneng go supa gore mohama wa nama o tsamaya jang mo lefatsheng leno. Mopalamente o ne gape mo phuthegong eo a supa fa a tshwentswe ke nnotagi le go nwa phetelela ga banni ba kgaolo ya Ghanzi. O kopile banana go ikgapha mo tirisong ya bojalwa mme ba ipope ditlhopha go akola mananeo a puso le go itshimololela dikgwebo e le tsela ya go itlhamela ditiro. O kopile dikereke go tshwaragana mme ba thuse bao ba ba amegang mo nnotaging go ikgapha, mme ba inaakanye le dikereke . O solofeditse banni ba kgaolo ya gagwe gore o tlaa tswelela ka go kopana le maphata a puso e le tsela ya go bona gore banni ba bona dithuso go tswa mo maphateng a puso. Mme o ne a akgola tirisano ya sepodise sa Ghanzi a rotloetsa morafe go ema sepodisi nokeng gore se kgone tiro ya sone ya go sireletsa Batswana. economy_business_and_finance 3 Ba gakololwa go ikopela lenaneo Balemi ba metse ya Takatokwane le Dutlwe kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba kgothaditswe go tsibogela go ikopela lenaneo la go teratelela masimo le e leng karolo nngwe ya la temo-thuo la ISPAAD ka go dira jalo go ka fedisa selelo sa malatsi otlhe sa leruo le le senyang kwa masimong. Fa a bua mo bokopanong le balemi bosheng, molemisi yo o direlang kwa metseng eo, Rre Ditiro Bolepya a re ntswa balemi ba tshwenngwa thata ke go senyediwa ke leruo ka nako ya temo mo ebileng bangwe ba kgona go boa ba iphotlhere kwa masimo, ba santse ba saletse morago thata mo go ikopeleng lenaneo le mme a re ke lone le ka thusang mo go fapheng leruo kwa masimong. A re go molemo thata go le aramela le sa tlhabile ka go tsibogela go inaakanya le mananeo a puso a a farologaneng ka gongwe e tla mo nakong e e tlang a bo a sa tlhole a bonwa mahala mme ba sale ka go ikotlhaya. O tsweletse a re ka temo e le seikokotlelo sa Motswana, puso e tshwere ka natla go tokafatsa mhama o ka go simolodisa mananeo a tshwana le la go thusa balemi ka go teratelela masimo go leka go sireletsa thobo ya bone mme a ba gwetlha go ema ka dinao go ithusa ka mananeo a. O supile fa balemi ba kgona go thusiwa fa ba ipopile setlhopha kgotsa ka bonosi. A re fa molemi a ikopela lenaneo la go teratelela masimo a ikemetse ka bonosi go tlhokana le setlankana sa tshimo mme puso e ka mo thusa ka go mo duelela 50%, molemi le ene a ituelela 50% gore a ithekele didirisiwa. A re fa balemi ba ipopile setlhopha go sa kgathalesege gore ba kae ka palo ba thusiwa mahala mme go tlhokana le gore masimo a a teratelelwang a bo a le dieketara tse di 150 le go feta. A re puso e rekela balemi didirisiwa tsotlhe tse di ka tlhokafalang mme go dirisiwe badiri ba Ipelegeng go teratela masimo ao. Rre Bolepya o ba boleletse gore go a kgonega gore ba epelwe didiba mme ebile ba ka dirisa balemisi go ba thusa ka tsotlhe tse ba sa di tlhaloganyeng. Go ntse go le foo, o akgotse balemi ba kgaolo eo go bo ba gatetse pele ka go dirisa methale e mesha ya go lema e e dirileng gore ba bone thobo e e nametsang ngwaga o o fetileng. A re mo go ba ba setseng ba begile thoto ya bone ba robile mo go itumedisang mme a kaya fa ba ba kgonneng go bona thobo e ntsi e le ba temo ya ditselana ka jalo a rotloetsa balemi go tswelela ba dira jalo ka jaana le bone balemi ba lemogile fa temo e ya sesha e ba tswela mosola. O ba tlhaloseditse gape fa puso e tlaa tswelela e lemela balemi le monongwaga mme botlhe ba tshwanetse go lema ka ditselana ka jaana ba ba tla itlhophelang go lema ka go gasa ba tsile go seka ba thusiwa ka lenaneo la ISPAAD gotlhelele.BOKHUTLO society 9 Qabo o lela ka tsela Banni ba Qabo ba ngongoregile thata ka tsela ya Qabo le Ghanzi, e ba reng e maswe fela thata e bile e tlhoka go baakanngwa ka bofefo ka e kgoreletsa ditlhabololo go goroga wa motseng wa bone. Banni bao ba ntshitse ngongora mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Johnnie Swartz bosheng. Banni bao ba boleletse mopalamente wa bone gore fa e sale ba mo fa matshwenyego a bone ka tsela eo, ga gona sepe se se dirwang. Ba boleletse mopalamente fa tsela eo e ama botsogo jwa bone ka go ba okeletsa ditlhabi fa ba isiwa sepateleng kwa Ghanzi. E rile Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Xukuri Kerayafela a lekodisa mopalamente, a lebogela puso ditlhabololo tse di dirilweng mo motseng wa bone le manaeo a nyeletso lehuma. Rre Kerayafela o boleletse mopalamente fa maphata a puso a mo motseng wa bone a tlhokana le koloi mme thata fa kgotleng ka gore go paledisa mapodisi go dira tiro ya bone ka botlalo. Modulasetilo o ne a tlhalosa fa bontsi jwa mananeo a nyeletso lehuma a tsamaya sentle mme a boa a kopa mopolamente gore a thuse motse wa bone ka kgokelo ya motlase, ka e megwe metse e goketswe mme jaanong go lebega go setse wa bone fela. Fa a rola pego ya gagwe, modulasetilo wa Komiti ya Ditlhabololo tsa motse wa Grootlagte, Rre Keleofile Madumane, a lebogela Moplamente go bo a ba etela nako le nako, e bile a kaya fa seo se supa fa ele moeteledipele yo o nang le tebelopele. Rre Madumane a re fa esale ba kopa hosetele ya bana mo sekolong sa bone, ga ba ise ba bone karabo le jaana. A re bontsi jwa bana ba morafe wa Basarwa mo motseng wa bone ga ba tsene sekolo ntateng ya gore batsadi ba bone ga ba na nako le thuto. A re fa hosetele e e ka agiwa mo motseng wa bone bontsi jwa bana ba ba ka kgona go tsena sekolo, ka gore ba tla nna kwa go yone ba bo ba tlhokomelelwa teng. Erile Mopalamente Rre Swartz a araba dilelo tsa bone, a dumalana le bone fa tsela eo ele maswe fela thata. Bokhutlo environment 5 Bangwe ba ikanya morula Bontsi jwa bomme ba kgaolo ya Tswapong ba titiela majalwa a a farologanyeng mo malwapeng jaaka khadi, bojalwa jwa legapu kgotsa setopoti jaaka bo bidiwa le jwa morula gareng ga a mangwe. E re le ntswa Batswana ba ba itshetsang ka ditiro tsa Setswana ba lela ka pula e e boutsana, e e bakileng tiego mo temong ga mmogo le phane e e boutsana, bangwe ba re ba tlaa dika ba ithusitse ka morula ka one o le montsi. Bomme kwa metseng e e farologanyeng ya Tswapong, ba gasame le mafelo a a nang le ditlhare tsa morula go bapala leungo leo gore ba kgone go itshetsa le ba malwapa a bone. Mme Nkoi Richard wa Machaneng ke mongwe wa bomme ba ba inaakantseng le kgwebo e.Mme Richard a re ga gona ngwaga o o fetang a sa tsena mo kgwebong ya bojalwa jwa morula le go thula dicheru ka di le bogadi bo gaufi. O tlhalositse gore bojalwa jwa morula bo dirwa ka maungo a morula go bo go tshelwa metsi a se mantsi, ga bo tlhoke metswako epe gape.A re gape morula le one ba o tsaa sesolo mo tikologong. Fa a tswelela a tlhalosa ka bojalwa jo ja morula, Mme Richard a re ka fa bo dirwang ka teng le gone go motlhofo, a tlatsa ka gore se se tlhokegang fela ke nako.O tlhalositse gore morula o o siametseng go dira bojalwa ke o o boduleng e bile o fetlotse mmala o ntse lephutshe gape o na le tlatso e e sukitshana.O tsweletse ka gore bojalwa jo, bo dirwa ka tsina ya leungo le la morula. “Go tlhokega foroko kgotsa leswana fa go tlhabelwa morula, o ka dirisa sekotlele se segolwane kgotsa emere go tsenya morula o o tlhabetsweng ka gore morago ga go tlhabela, o tlaa bo o simolola go duma morula oo ka diatla metsotso e e sa fetleng masome a mabedi,” ga tlhalosa Mme Richard. A re morago ga go duba o tlaa bo a ntsha ditlhapo tsa morula a di baa sentle go tla a di thula dicheru a bo a bidisa tsina gore e nne jone bojalwa.O supile gore, gore bojalwa jo bo nne mo seemong sa go ka nowa go tsaa nako e khutshwane e e sa fetleng dioura tse masome a mabedi le bone. O boletse fa sekale sa bojalwa jo, e le lebotlele la mayonnaise la 750g le tlhwatlhwa ya lone e leng P3.Fela jaaka majalwa a sekgoa, Mmamorizo jaaka banwi ba nno eo ba mmitsa, a re bojalwa jo, ga bo rekisetswe ope yo o dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi. O kaile gore bojalwa jo, bangwe ba kgona go bo rekisa kwa mafelong a mangwe jaaka kwa Mahalapye fa ba dirile bo le bontsi.A re go obamela molao wa thekiso ya bojalwa gone ga a go gakololwe ke ope ka a o tlhaloganya.O tsweletse ka gore o tlhabela morula wa gagwe mo masimo ka go le gaufi le fa a o tsayang teng mme morago a o tsee ka sekotsekara go ya go o rekisa kwa gae. A re go tlhabela mo masimo go mo tlhofofaletsa tiro ka a kgona go disa tshimo ya gagwe a ntse a tsweletse a tlhaba morula.Mme Richard a re dipalo tsa batho ba ba gwebang ka bojalwa ja morula ngwaga ono di ile kwa godimo thata. A re se se raya gore tlhwatlhwa ya thekiso ya morula e ka nna ya wela tlase.O boletse gore gongwe lebaka e ka nna gore batho ka bontsi ga ba a kgona go ya phaneng ka e le boutsana gape e utlwalelwa kwa mafelong a a kgakala le bone. O kopile bagwebi ba bangwe go sala molao o o tlhomilweng ka 2011 wa thekiso ya majalwa a a titielwang mo malwapeng morago.Mme Richard o tsweletse ka go rotloetsa balemi ba ba tlhabang morula gore ba seke ba sia le morula ba lebala temo ka e le yone botshelo ja bone. O ne a boa gape a rotloetsa banwi ba bojalwa jo gore ba bo nwa ka boikarabelo.A re go tlhokega gore motho a bo a jele pele a bonwa.A re bojalwa ja morula ga bo na dibelebejang fa bo tshwantshanngwa le majalwa a mangwe a a dirwang ka metswako e mentsi.Fela o ne a supa gore ke bojalwa jo e reng motho a sena go bonwa legano le bo le simolola go kua le batla letswainyana. Ka jalo o ne a kopa banwi ba bone go emisa mowa wa go utswa dikoko tsa batho fa ba sena go nwa.Mme Richard a re fa morula o sena go kgokologa, fa go tsena paka ya selemo o simolola go thula dicheru tse le tsone a di rekisang gore a kgone go bona madi a go itshetsa. economy_business_and_finance 3 Banana ba gakololwa go tswa ka megopolo ya dikgwebo Mogolwane kwa ofising ya banana mo Molepolole, Mme Boitshepi Bolele o gakolotse banana go tla ka megopolo e e farologanyeng ya di kgwebo. A re gole gantsi banana ba inaakanya thata le dikgwebo tsa goruwa dikoko, le ntswa gona le dikgwebo tse dingwe tse baka di dirang. Mme Bolele o buile se fa a ne a araba matshwenyego a banana mo phuthegong ya kgotla e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Molepolole Borwa, Rre Daniel Kwelagobe kwa kgaolwaneng ya Lephaleng. A re megopolo e banana batlang ka yone kwa diofising go kopa dithuso tsa madi a mananeo a banana a go itirela dikgwebo e tla e le mentle , mme sebe sa phiri ke gore ga se bone ba ikwalelang a tlhalosa fa seo el e sone se se dirang gore bontsi jwa dikgwebo tsa banana diphutlhame. O gakolotse banana fa go dira kgwebo go batla batho ba banang le maikaelelo a a tsepameng ka jalo megopolo e ba e kwalang e tshwanetse ya supa kafa dikgwebo tsa bone di ya go tsamaisiwang ka teng. O bile a kopa ba ba sa atlegang mo dikopong tsa bone go nna ba ya kwa diofising ya banana e seng go itlhoboga. Mo phuthegong eo, banana ba ne ba supa fa bontsi jwa bone bo felelwa bo tlelwa ke go itlhoboga ka ntata ya go tlhoka tirisano mmogo e ntle le bodiredi kwa di ofising tsa banana, le gore ga ba nke ba leba dikopo tsa bone ka leitlho le le tseneletseng. Mo tekodisong ya gagwe, mopalamente o ne a supa fa le ene a sa itumedisiwe ke go salela kwa morago ra ditiro dingwe tsa ditlhabololo kwa kgaolong eo jaaka ditsela, lentswa dingwe tsa tsone jaaka kgopo ya mesele ya metsi a leswe di ne di ntsheditswe madi . O tlhaloseditse batho fa tona yo a lebaneng a ne a tlhalosa fa tiego ya tiro eo e bakilwe ke gore mealo e e neng e dirilwe e ne e setse ele megologolo. Mopalamente o ne a tlhalosa fa tiego ya kgopo ya metsi a leswe e itsa batho go tswelela le ditlhabololo. Ka thuto mopalamente o boletse fa sekolo sa Lephaleng se tlhaelelwa ke matlo a borutelo a fera bobedi a re seo seama boleng jwa thuto ya bana, ka jaana bana dikolo ka bontsi di santse di rutela bana kafa tlase ga ditlhare a re seemo seo ga se a siama bogolo jang mo nakong ya dipula le letsatsi.Bokhutlo society 9 Kgomo selwana sa botlhokwa Ba lekalana la National Beef Measles Control Strategy le le ka fa tlase ga lephata la matlhoko a leruo ba tsweletse ka go rutuntsha setshaba ka manokonoko a kanamo ya bolwetse jwa mabele. E ne ya re ka Laboraro ba bo ba rulagantse thuto-puisanyo ya letsatsi le le lengwe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, e maikaelelo a yone e neng e le go buisana le go tswa ka megopolo tebang le go lwantsha bolwetse jo. Ka jalo batsena dithuto tseo, ba ne ba gakololwa fa go le botlhokwa gore mongwe le mongwe a nne le seabe, e bile a tlhoafalele go lwantsha bolwetse jwa mabele go itsa go anama ga jone. E rile a bua kwa thuto-puisanyong eo kwa Masunga, mogolwane go tswa kwa lekalaneng la National Beef Measles Control Strategy, Rre Buzwani Mpofu o ne a bolela fa kgomo e le seikokotlelo se se botlhokwa mo matshelong a batho le mo itsholelong ya lefatshe leno tota. A re go ngomola pelo go bona batho ba itlhokomolositse itshireletso ya bolwetse jo. O kaile fa bolwetse jwa mabele bo anamisiwa ke batho le dikgomo, mme a gwetlha batho go ela tlhoko boitshwaro jwa bone, ba lemoge fa kgomo e le sengwe sa dilo tse lefatshe leno le ikaegileng ka tsone. Rre Mpofu a re go botlhokwa gore ka dinako tsotlhe batho ba je nama e e tlhatlhobilweng, e bile ba ititeye ka thupana go netefatsa gore ba dirisa matlwana a boitiketso ka dinako tsotlhe go lwantsha bolwetsi jo. O tlhalositse fa go utlwisa botlhoko go bo bolwetse joo e le bongwe jo bo nnileng le seabe se segolo mo go tswalweng ga matlhabelo, a supa fa dikgomo tse di lekgolo tse di neng di tlhajwa kwa matlhabelong, di le masome a mararo mo go tsone di ne di fitlhelwa di na le bolwetse jo. Rre Mpofu o ne a bolela fa puso e tshwenyegile ka fa bolwetsi jo bo digang itsholelo ya Botswana ka teng. A re ke ka moo e tsweletseng ka go dirisa didikadike tsa dipula go leka go bo nyeletsa ka gotlhe mo go ka kgonagalang. A re seo ke ditshenyegelo tse di seng kana ka sepe tse di tlhokanang le gore mongwe le mongwe a tsholetse dinao go thusana le puso mo ntweng kgatlhanong le bolwetse jwa mabele. Rre Mpofu a re ka jalo go botlhokwa gape gore batho ka bongwe ka bongwe ba ipotse potso ya gore seabe sa bone ke sefe mo go lwantsheng bolwetse, ka jaana kgwetlho e tona ke gore ga bo kgone go tlhatlhojwa mo kgomong e tshela. Batsena thuto-puisanyo eo ba ne ba ngongorega ka mekgwa e bangwe ba inaakanyang le yone, e ba tlhalositseng e kuketsa kanamo ya bolwetse, ba supa ka menwana badirisi ba metseto ya bana e e latlhelwang gongwe le gongwe. Ba ne ba supa fa go dutla ga diphaephe tsa metsi, bogolo jang tsa kgopho ya metsi a a leswe, go na le seabe mo kanamong ya balwetse joo, ba supa fa go le gantsi ba lekalana la Water Utilities Corporation ba tsaya nako e telele go baakanya diphaephe, mo leruo le felelang le enwa metsi a a leswe ao. BOKHUTLO health 6 Monana o galaletsa lephata Lephata la banana le galaleditswe go bo le tsweletse ka go neela banana madi go itlhamela ditiro. Se se supilwe ke mongwe wa banana ba Motlhabaneng kwa kgaolong ya Bobirwa, Rre Oagile Maruatona, wa madirelo a Fondoka Investment yo o dirang kgwebo ya go foroma ditena. O tlhalositse fa e rile ka 2013, lephata la banana la mo neela P100 000 go simolola kgwebo ya go foroma ditena. A re kgwebo ya gagwe e rotloeditswe ke go bona baagi ba Motlhabaneng ba tsaya mesepele e meleele go ya go reka ditena kwa mafelong a a kgakala jaaka Bobonong . O tlhalositse fa madi a a neetsweng ke lephata a kgonne go reka didirisiwa tsotlhe tse a di tlhokang go tsamaisa kgwebo gammogo le go thapa badiri ba le babedi. O supile fa kgwebo ya mofuta o, e le yone fela mo Motlhabaneng jalo e dira dipoelo tse di nametsang ka a sena ope yo a phadisanang le ene. Rre Maruatona a re ba komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) ba mo neetse tetla ya go rwala motlhaba kwa nokeng ya Motloutse. A re mathata a kopanang le one gantsi ke gore batho bangwe ba reka ditena ka madi a tlhaela mme se se mo pateletse gore a ba rekisetse fela fa ba bangwe bone ba reka ka sekoloto. O supile fa letlhoko la se se rwalang jaaka koloi go mmaya ka fa mosing ka go mo pateletsa go thapa dikoloi go isa ditena kwa bareking. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ba Khakhea ba batla molao wa matimela o fetolwa Banni ba Khakhea mo kgaolong ya Borwa ba supile fa ba eletsa gore ditshetlana dingwe tsa molao wa matimela di ka fetolwa go tsamaisanya le dinako tsa segompieno. Banni bao ba ntshitse maikutlo a bone kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke tona ya dikgaolo le tlhabololo magae Rre Peter Siele bosheng, e maikaelelo a yone e neng ele go tsaya megopolo ya morafe mabapi le phetolo molao e. E rile a ba baya lefoko pele, Rre Siele a supa fa molao wa matimela o sale o dirisiwa bogologolo mme ka jalo o siilwe ke dinako. A re ere ntswa bogologolo matimela ene ele boikarabelo jwa bogosi ka thuso ya mephato, mo bogompienong a imela dikhansele ka go dirisiwa madi a mantsi go a tlhokomela. O boletse gape fa le lone lemme le le lopiwang beng ba leruo le le timetseng ese la sepe, ka leruo le le ja mo kgetsing ya dikhansele. A re ere ka jaana sengwe le sengwe se dirwa ka molao, ga gona jaaka dikhansele di ka fetola ditlhwaltlhwa tse di di lopang beng ba matimela ntle le go fetolwa ga molao. A re Batswana bangwe ba dule ka mogopolo wa gore boikarabelo jwa matimela bo busediwe kwa bogosing ka bo imela dikhansele, mme a tlhalosa fa se se le dingalo ka jaana go sa tlhole gona le mephato e e nonofetseng go tlhokomela leruo leo. O buile gape fa bangwe ba kile ba umaka gore lephata la temo-thuo e nne lone le tlhokomelang matimela ka jaana boitseanape jotlhe le bongaka jwa leruo bo fitlhelwa kwa lephateng leo. E rile a kgwa tona dikgaba, Mme Gloria Kgole a supa fa a dumelana le gore khansele e imelwa ke go tlhokomela matimela a lebile gore madi a a duedisiwang beng ba leruo ga se a sepe. A re nako ya go tshegetsa matimela pele fa a rekisiwa e fokodiwe go tswa kwa dikgweding tse thataro go nna tse tharo, gore madi a a dirisiwang go duela batlhokomedi ba leruo le a fokotsege. A re go na le gore matimela a ntshiwe mo khanseleng, go ka okediwa madi a a duedisiwang ka letsatsi go tswa kwa go P2.00 go ya kwa go P10.00, ka gore gole gantsi ditirelo fa di fudusiwa mo khanseleng di feta di pala kwa pele, fela jaaka seemo sa metsi se sokodisa Batswana. Mme Margaret Semothoteng ene o ne a tlhalosetsa tona fa go ka nna botoka gore batho ba dise leruo la bone ka jaana matimela a humanegisa puso. A re ere ka jaana go supega barui ba ikaegile thata ka khansele go ba disetsa, madi a okediwe go nna P20.00 ka letsatsi. Le fa go ntse jalo, ga bo go na le ba ba dumelang gore madi a a lopiwang beng ba leruo le le timetseng a mantsi. Rre Keetile Moitlhobi a re P2.00 yo o duedisiwang ka letsatsi o montsi, a fokodiwe ka gore barui ba palelwa ke go a duela. Rre Nelson Motsholopi o ne a kopa gore khansele e ithole morwalo wa matimela e o neele lephata la temo-thuo ka jaana le na le dingaka tsa leruo. A re dikhansele ga di a tshwane la go eteletsa kgang ya go kgobokanya madi ka matimela kwa pele ka jaana kgang e e ba palela e bile e ka tsamaisiwa botoka ke bone ba leruo. society 9 Modulasetilo o rotloetsa bonatla Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong, o kgothaditse badirelapuso go direla lefatshe la bone ka bonatla le bothakga. E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Bokaa ka Laboraro a supa fa a kile a bitsa bagolwane ba maphata go ba rotloetsa gore ba eme ka dinao go rurifatsa gore badirelapuso ba thusa Batswana. Rre Morolong a re o ne a lemogile fa go na le mowa wa boitseme mo tirong ka jalo a batla gore seemo seo se fetoge mme Batswana ba kgone go thusiwa ka nako le ka botswerere. Modulasetilo wa khansele o ne a araba selelo sa ga Kgosi Sue Mosinyi wa Bokaa jaaka a ne a supa gore maphata a goga dinao go thusa Batswana. O ne a tlatsa ka gore fa bagolwane ba dira tiro sentle, tsotlhe di tlaa tsamaya sentle ka gore fa ba itse letlhoko mo diofising tsa bone, ba ka kgona go thusa go na le nako mme Batswana ba thusiwe go sena mathata. O ne a supa fa badirelapuso ba sa ba etele mo motseng wa bone mme ka lebaka leo ga ba bone dithuso tse di ba tshwanetseng sentle. Kgosi Mosinyi o ne a bolelela modulasetilo gore go lebega babereki ba le kwa ga mothakga mme e bile tiro e sa diriwe ka mashetla le bonatla. O supile fa go sa siama gore fa badirelapuso ba na le dipharologano le mohiri wa bone ba bo ba tlisa seo mo tirong ka gore se, se ya go kokonela Batswana ba ba tshwanetseng go thusiwa go sena bana ba phefo. Kgosi o ne a kopa badirelapuso go dira tiro ya bone ka natla mme ba emise go sokodisa Batswana ka mananeo a puso le ditirelo tse dingwe. O ne gape a kopa bagolwane ba maphata go nna ba etela bana ba bone kgapetsa-kgapetsa kana ba sa ba bolelela go bona gore a tiro e ba e hiritsweng ba a e dira kana ba tlhabile kgobe ka mutlwa. Modulasetilo, Rre Morolong o ne a supa fa kgang ya go dira ka natla mo tirong a e emetse ka dinao mme a kopa badirelapuso gore ba bereke ba tsentse moko mo nameng e seng gore ba felele ba tlhobogiwa ke setshaba. politics 7 Bomme ba itshetsa ka Motswedi Laundry E re ka Setswana se re moroto wa esi ga o ele, a bo a kile a bua nnete fa a lebile Mme Malebogo Boingotlo le setlhopha sa gagwe sa bomme ba kgotla ya Thomadithotse mo Mahalapye. E rile mo potsolotsong le BOPA, Mme Boingotlo yo o dingwaga di masome a marataro le bongwe a tlhalosa fa e rile ka ngwaga wa 2013 ene le bomme bangwe ba le batlhano ba ikopela lenaneo la go intsha mo lehumeng. Ka Modimo o seke o latlha, o ne a tlhalosa fa ba ne ba atlega, mme ba isiwa dithutong ke ba lephata la boipelego go ithuta go tlhatswa diaparo ga mmogo le go dirisa dimashini tse di tlhatswang. Mme Boingotlo o ne a tlhalosa gore e rile fa ba le kwa dithutong ba kgothadiwa go bereka ka natla le go rekisa dikgwebo tsa bone gore ba kgone go sola molemo mananeo a mantle ao. A re e rile fa ba tswa kwa dithutong tseo ba simolodisa kgwebo e ba neng ba tlhatswa diaparo ba dirisa dimashini. O ne a tlhalosa gore ba ne ba tswelela fela jalo mme e ne ya re morago ga dikgwedi tse thataro maloko a mane a ithola marapo a supa fa kgwebo e sena dipoelo tse di nametsang. Mme Boingotlo a re ene ka a ne a na le lorato le go nna pelotelele a seka a ipona tsapa mme a tsweledisa kgwebo e, mme a tlhama kompone a e bitsa Motswedi Laundry. O boletse fa kompone ya Motswedi Laundry e tlhamilwe ka maikaelelo a go tsamaisa kgwebo ya gagwe ka fa se molaong gape a re o supa gore o ne a ile dithutong. Mme Boingotlo o buile a kanotse sehuba ka tiro e ntle e e dirilweng ke Tautona Khama go dira mananeo a go thusa batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng go intsha mo lehumeng la nta ya tlhogo. A re o akgola puso go menagane ka gore mananeo a nyeletso lehuma a fetotse botshelo jwa gagwe le ba lelwapa la gagwe ka ponyo ya leitlho. O tsweletse a tlhalosa ka gore gantsi o tlhatswetsa ditlhopha tsa kgwele ya dinao le morafe ka kakaretso. O boletse fa a tlhatswa mmanki o tletse diaparo ka P80 gape a re o tlhatswa le dikobo ka P90. O tlhalositse fa a dirisa dipoelo go tlamela ba lelwapa la gagwe ka ke ene motlhokomedi a le nosi. Mme Boingotlo a re dipoelo tse dingwe o di dirisa go duelela bana madi a sekole mo go salang a go ise ko sebolokelong sa gagwe kwa bankeng. A tswelela ka go tlhalosa gore o baya madi a mangwe ko bankeng gore a dirise mo isagong fa kgwebo e ntse e atlega e gola. Mme Boingotlo a re o santse a dirisanya le ba lephata la boipelego. economy_business_and_finance 3 ESP e tla tisa ditlhabololo ko Mahalapye Modulasetilo wa khansele ya kgaolo --potlana ya Mahalapye Rre Tassman Cebani, a re ditiro tse di tlaa dirwang ka lenaneo la ESP mo kgaolong-potlana ya Mahalapye di akaretsa kago ya diofisi tsa dikgotla, go dirwa ga ditsela,katoloso ya dikokelwana le go shafadiwa ga matlwana a borutelo le matlo a barutabana. Rre Cebani yo e bileng e le mokhanselara wa kgaolwana ya Mahalapye Borwa, o boleletse lekalana la dikgang la BOPA mo potsolotsong gore ditiro tse di tlaa dirwang ka lenaneo la go rudisa itsholelo mo kgaolong -potlana ya Mahalapye di akaretsa go dirwa ga tsela e e tshwaraganyang metse ya Dibete, Mookane, Mmaphashalala, Dovedale, Makwate le Machaneng gammogo le tsela ya Radisele/Pilikwe. A re dingwe tsa ditiro tse di tlaa dirwang ke kago ya diofisi tsa kgotla kwa Chadibe,Dibete le Makwate, go shafadiwa ga matlwana a borutelo mo sekoleng se segolwane sa Shoshong Senior Secondary, go shafadiwa ga matlo a boroko jwa barutabana le go atolosiwa ga kokelwana ya motse wa Dibete. Rre Cebani o tsweletse ka go tlhalosa fa kwa motsing wa Tewane, go tlaa gokelwa motlakase fa kwa Shoshong go tlaa atolosiwa mafaratlhatlha a motlakase fa kwa Kalamare go tlaa dirisiwa P45 200 go dirisiwa mo tirong ya go jwala ditlhare ka kgwedi ya Moranang mono-ngwaga. Dingwe tsa ditiro tse mokhanselara Cebani a di umakileng, ke kago ya boroko jwa badiri ba dikgolegelo mo Mahalapye, kago ya diofisi tsa badiri ba lephata la bosekisi kwa Machaneng le kago ya matlo a boroko kwa Shoshong le Mahalapye ka lenaneo la Turn-key. A re o kopa banana ba metse ya kgaolo-potlana ya Mahalapye go ema malala a laotswe go ikopela ditiro mo maphateng gore le bone ba kgone go roba sengwe mo mananeong ao ka jaana a diretswe go ntsha Batswana mo lehumeng le go lwantsha letlhoko la ditiro. politics 7 Dithuso di a diega - Kadimo Banni bangwe ba Hereford mo kgaolong ya Kgalagadi ba ngongorega ka dithuso tsa nyeletso lehuma tse ba neng ba di solofeditswe mme di ise di diragadiwe. Ngongerego e e supilwe ke Mme Olebogeng Kadimo kwa motseng oo mo puisanong bosheng. Le fa go ntse jalo bangwe ba ne ba nna lesego ba thusiwa ka meriti ya ditshingwana le ditanka tsa metsi bo ba lemelwa merogo fa ba bangwe ba ne ba thusiwa mme ba bo sa lemelwe sepe. Mme Kadimo a re o ne a lemoga gore dijo tse a di fiwang ba boipelego le madi a o amogelang a le mannye thata e bile a ka se kgone go itshetsa ba lelwapa la gagwe. O boletse fa a gwetlhilwe ke mabaka ao mme o ne a isa selelo sa gagwe sa letlhoko kwa go ba boipelego gore le ene a tle a kgone go thusiwa ka sengwe se a ka itshetsang ka tsone. Mme o ne atlega ka ngogola a thusiwa ka tshingwana ya merogo. O ne a agelwa tshingwana ya merogo le go fiwa tanka ya metsi. O ne a tswelela a tlhalosa fa go bona a agelwa tshingwana eo, go ne ga tsisa boitumelo fela thata mo botshelong jwa gagwe ka o ne a simolola go nna le tsholofelo e ntsi ka o ne a akanya gore jaanong botshelo jwa gagwe bo tla fetoga. O supile fa a ne a nna pelo telele a emetse gore a tle go thusiwa ka go lemelwa merogo mme nako kgolo ke eno. O ne a nna fela a solofetse go ba bona ba goroga nako nngwe le nngwe, ka tsholofelo e sa tlhabise ditlhong. A re morago jaanong o ne a felelwa ke tshepo ka go ne ka go ne go sena ope yo o bonalang go tla go ba tlhalosetsa gore go diegile fa kae. O supile fa a sa itumelela se se mo diragaletseng ka go mo utlwisa botlhoko gore tsatsi le letsatsi fa a tsoga maphakela a bo a bona tshingwana e e ntseng fela mo jarateng ya gagwe mme e sa mo sologele molemo ka sepe. O tlhalositse fa le ntswa a ise a thusiwe mo nakong ya gompieno tsholofelo e le gore nako nngwe a ka thusiwa a tla dira kanatla go fetola ditoro tsa gagwe nnete. O ne a tswelela a supa fa seo se tla mo thusa go ikagela ntlo e e ka dirisiwang ke ene le bana ba gagwe. Mme kadimo o ne a feleletsa ka gore fa motho a neetswe sengwe gore a itshetse o tshwanetse go tlhokomela se a se filweng ka sejo sennye se sa fete molomo, o kopile bangwe ka ene gore ba tlogele go nna ba ngongorege fela le fa ba thusitswe. A tlatsa ka go ba gakolola gore ba seka ba ikaega fela mo pusong mme ba ikemele ka dinao ka mokodua go tsosiwa oo itekang. politics 7 Mokgatlho o akgolelwa mowa o montle Mothusa Molaodi wa khansele potlana ya Serowe, Mme Peggy Molefe o akgoletse maloko a mokgatlho wa badirelapuso ba Mmashoro mowa wa tshwaragano le kutlwelobotlhoko. Mokgatlho oo o ne o abela Mme Dikokola Tshwarakgole terata ya lolwapa le dimpho tse dingwe kwa Mmashoro bosheng. “Re tshwanetse go nna le lorato le kutlwelobotlhoko mo go ba re tshelang nabo, ka ntlha ya gore fa lorato lo leng teng, go nna le tlotlo le boineelo,” a tlhalosa. O supile gore fa motho a rata yo mongwe, ke gone a ka bonang botlhoki, mme a tsae boikarabelo jwa go bona gore o ka dira eng go thusa. “Ka ntlha ya lorato lo, mokgatlho o bone go le botlhokwa gore mme yo, a babalesege mo bodulong jwa gagwe, ka jalo ba mo tsenyetsa terata,” Mme Molefe a tlhalosa. Mothusa molaodi wa ditlhabololo o ne a lebogela badirelapuso go bo ba tshwaragane, ba diragatsa maikaelelo a ga Tautona, a pitso ya go agela batlhoki, a re seo se supa kgatelopele mo bodireding. Fa a amogela baeng, Kgosi wa Mmashoro, Kgosi Opelo Disang o akgoletse maloko a mokgatlho oo go bo ba bone go le botlhokwa go thusa morafe wa Mmashoro le ntswa e se bana ba motse oo. “Ke tlhaloganya fa lefatshe ka bophara le tlhasetswe ke kwelo tlase ya itsholelo, le dikgwetlho tsa madi tse le leng mo go tsone. Mme ke leboga gore le bo le bone go tshwanela gore le dirise madi a bana ba lona go thusa yo mongwe. Go sego letsogo le le abang, go na le le le amogelang,” a tlhalosa. Mokhanselara wa Mmashoro, Rre Entetse Boitswarelo o supile fa go na le popagano gareng ga morafe wa Mmashoro le babereki ba puso. A re badirelapuso ba tshwanetse go tsaya karolo mo dikgwetlhong tse di lebaneng motse ka e le bagakolodi ba setshaba. “Ke maiteko a magolo go bona batho ba bolaisa bana ba bone tlala ka ntlha ya go batla go thusa morafe,” a akgela. Rre Boitshwarelo o ngongoregetse go bo bana ba lolwapa ba ne ba se yo kwa tirong eo. O kgothaditse bana ba ba direlang kwa ntle ga metse ya bone gore ba seka ba lebala kwa morago. Mme Tshwarakgole o ne a kganya ka boitumelo, mme a eleletsa maloko a mokgatlho wa badirelapuso tshireletsego go bo ba mo thologile mokgosi. Mokgatlho o, o simolotse go thusa Mme Tshwarakgole ka go mo tlhokomelela lolwapa, ba mo tlhagolela mme ba tsaya tshwetso ya go mo tsenyetsa terata ka 2014. Ba ne gape ba mo abela dikobo tse pedi le dipitsa. BOKHUTLO society 9 Banni ba ikuela mo go Lotlaamoreng Banni ba Phitshane Molopo ba kopile gore ba busediwe ka fa tlase ga bogosi jwa Barolong gore ba tle ba kgone go diragatsa ngwao ya Serolong. Banni ba Phitshane /Molopo le Sedibeng ba ikuetse mo mopalamenteng wa kgaolo ya bone, Kgosi Lotlaamoreng fa a buisa diphutego tsa kgotla ka Labone. Rre Hoosein Pandor o boleletse mopalamente gore banni ba gaMolopo ba na le lebaka le le leele ba bua kgang mme le jaana ga go nko e e tswang lemina. O tlhalositse fa seo se ba baya ka fa mosing ka jaana ditlamelo tsotlhe tsa kgaolo ya bone di tswa kwa Kanye mme go nne bonya gore di goroge kwa kgaolong ya bone. Rre Khumoetsile Mmusi wa Sedibeng o ne a tlatsa ka gore seemo seo se babalela ngwao ya bone ya tlholego ka jaana ba nna mo ketsaetsegong gore ba tshwanetse go sala ngwao efe morago. Rre Mmusi a re se sengwe gape ke gore seemo seo se koafatsa seemo sa thuto mo baneng ba bone ka gore ba felela ba sa tlhaloganye ka botlalo gore gatwe kgosikgolo ya bone ke mang. Ka jalo ba ne ba gwetlha mopalamente go isa kgang eo kwa palamenteng gore e tle e bone tharabololo le bone ba tle ba itlhaloganye ka botlalo. Mo go tse dingwe, ba ne ba lela ka tlhaelo ya ditlhabololo le ditlamelo mo kgaolong di tshwana metsi le motlakase, melemo le koloi e e rwalang balwetsi kwa dikokelwaneng ga mmogo le yone tlhaelo ya baoki. Ba ne ba ikuela ka tirisano mmogo e e sa lolamang go tswa kwa go ba koporase ya metsi, ba tlhalosa fa ba kokonelwa ke madi a a kwa godimo a dituelo tsa metsi le mororo ba seke ba bona metsi mo dipompong tsa bone tsa malwapa. Ba re se se ngomolang pelo ke gore le fa mmithara o ka thubega, ba diega go tla go o baakanya mo ba felelang ba ipatlela batho mo motsing go tla go ba baakayetsa ka jalo ba re ba lopa dituelo mo go ba koporase ya metsi. Fa a tswa la gagwe, Mopalamente Lotlaamoreng o tlhalositse fa kgang ya gore banni ba gaMolopo ba ntshiwe ka fa tlase ga bogosi jwa Bangwaketse e se ntsha mo ditsebeng tsa gagwe ka jaana ba kile ba nna bokopano le tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae go leka go rarabolola kgang eo. O supile fa kgang eo, e santse e le mo tafoleng mme a solofetsa morafe gore o tlaa nna a ntse a ba lekodisa ka dintlha tsa kgang ya teng gore ba nne le lesedi. O ne a ba tlhalosetsa fa a tlaa ya go kopana le ba koporase ya metsi le botlhe fela ba maphata a a maleba mabapi le tlhaelo ya ditirelo tsa bone mo kgaolong gore ba tle ba tsenye leitlho diemo tse di amang seemo sa tlhaelo ya ditirelo mo kgaolong gore di tle di tokafadiwe. society 9 Madomkraga a kopiwa go itshekatsheka Balatedi ba Botswana Democratic Party (BDP) ba kopilwe go itshekatsheka le go tlogela dikgotlhang tse di bakwang ke go lwela maemo. Kopo eo e dirilwe ke mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima Rre Samson Guma, yo e neng e le sebui sa tlotla kwa moletlong wa go ipelela phenyo ya ditlhopho tsa bokhanselara tsa kgaolwana ya Kalamare, tse di neng tsa fenngwa ke Rre Charles Mponang mo ditlhophong tsa setshaba tsa 2014. A re go kubetsana ka mafoko ga balatedi ba phathi ya Domkraga le go lwela maemo ga mapalamente mangwe le makhanselara ke dingwe tse di paledisitseng phathi go fenya ditlhopho tsa dikgaolwana tsa Phillip Matante kwa Francistown le tsa kgaolwana ya Kelemogile kwa Ramotswa. Rre Guma o boleletse batlhophi gore fa balatedi ba phathi ya Domkraga ba ka tswelela ka go kubetsana ka mafoko le go lwela maemo mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba, ba tlaa lelela kgama le mogogoro ka jaana diphathi tsa kganetso di ka nna tsa tsaya puso ka 2019. Rre Guma a re le ntswa phathi ya BDP e lebanwe ke kgwetlho ya go tlhaelelwa ke madi le go phutlhama ga itsholelo ya mafatshe, Batswana ba tshwanetse go ipelafatsa ka ditlhabololo tse di dirilweng ke phathi eo fa e sale e tsaya puso ka 1966. E rile mopalamente wa Shoshong Rre Dikgang Makgalemele a tswa la gagwe, a lebogela batlhophi go mo tlhopha le makhanselara a gagwe mo ditlhophong tse di fetileng, mme a re ba tswelele ka go dira jalo le mo ditlhophong tse di tlang ka phathi ya BDP e le yone phathi fela e e ka kgonang go tsamaisa merero ya lefatshe leno. Rre Makgalemele a re e re ka phathi ya Domkraga e na le baeteledipele ba ba nonofileng e bile e na le mananeo a Batswana ba ka a dirisang go tlhabolola matshelo a bone, go mo maruding a Batswana go tswelela ka go tlhopha phathi eo gore ba kgone go akola meamuso ya lefatshe leno ka tekatekano. A re pele ga phathi ya BDP e tsaya ipuso ka 1966 bontsi jwa dikgaolo tsa lefatshe leno go balelwa le ya Shoshong di ne di sena ditlhabololo di tshwana motlakase,ditlhaeletsano,ditsela tsa sekontere,dikole tse dikgolwane le dikokelwana tse gompieno Batswana ba ipelafatsang ka tsone. Bangwe ba dibui kwa moletlong oo,e ne e le modulasetilo wa kgaolo ya Shoshong Mme Leepo Shadrack, Rre Orelebile Baatweng le Rre Charles Mponang ba ba neng ba kgothatsa banana ba BDP go dirisa mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone le go ipaakanyetsa ditlhopho tse di tlang tsa setshaba. politics 7 Bishop o tshwenyega ka makgamu Mookamedi mogolo wa kereke ya Apostolic Jerusalem Church of God, Arch Bishop Mokolobetsi Mokoya a re makgamu ke kgwetlho e tona mo phuthegong ya gagwe. Mo potsolotsong le BOPA jaaka maloko a kereke eo a ne a phuthegetse kwa Maun go tsena bokopano jwa ngwaga, Bishop Mokoya o boletse fa makgamu a tsalwa ke gore maloko mangwe ga a batle go kgalemelwa fa ba fapoga mo tseleng mme ba felela ba ngala ba bo ba ipulela dikereke tsa bone. O tlhalositse fa seemo seo se ngomola pelo ka gonne kgalemo mo kerekeng e dirwa go lebilwe molao motheo o o dumalanweng ke maloko. Bishop Mokoya o tlhalositse gape fa ba kopana le dikgwetlho tse dingwe jaaka go phutlhama ga diphuthego ka ntlha ya go tlhoka go itsetsepela ga boeteledipele. A re baeteledipele bangwe ba goga dinao go diragatsa thomo ya bone mme seo se felele se ama tsamaiso ya kereke kwa bofelong diphuthego di phutlhame Fa a akgela mo kgannyeng ya gore baruti bangwe ba emisa balwetse go tsaya kalafi ba ba bolelela fa tumelo e tla ba fodisa, Bishop Mokoya a re e re le ntswa ba dumela gore thapelo e ka fodisa, gangwe le gape ba ikgolaganya le ba botsogo pele ga ba ka thusa molwetse. O boletse fa a itumelela gore puso e lemoga seabe sa dikereke ke ka moo e le baeteledipele ba diphuthego ba itlamileng go tsenya letsogo mo dikgwetlhong tse di apereng lefatshe leno. A re o dumela gore bakeresete ba tshwanetswe ba bonwa ka ditiro tse dintle e seng go obamela ditiro tsa lefatshe, a tlatsa ka gore banana ke bone ba tlhokanang thata le thuso ya go ngokelwa mo Modimong.O tsweletse a re ba leka ka natla go anami sa melaetsa ya boikgapo mo bananeng le gone go fetola boitshwaro jwa bone, a tlatsa ka gore go botlhokwa gore banana ba tshele ka lefoko la Modimo ka e le bone baeteledipele ba ka moso.Fa a akgela, mokhanselara wa kgaolwana ya Sedie, Rre Kaukapita Kaukapita o gwetlhile maloko go tshwaragana gore ba tsholetse serodumo sa kereke ya bone. A re mo nakong eno puso e gagamatsa molao wa go simolodisa dikereke ka jaana e ikaelela go oketsa palo ya maloko, jalo a ba gakolola gore botshelo jwa kereke ya bone bo mo diatleng tsa bone ka jaana ba ka e senya kana ba e aga . Rre Kaukapita o rotloeditse maloko a kereke eo go nna sekai mo lefatsheng a re e le bakeresete ba tshwanetse ba supa ka ditiro jaaka baebele e tlhalosa. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Mmino bokamoso jwa banana Ditlhopha tsa mmino wa Setswana di ka ntsha banana mo mekgwatlheng le go tokafatsa maitsholo a bone. Monana wa Palapye, yo gape e leng moeteledipele wa setlhopha sa Phalana tsa Lekgarapa se se itebagantseng le bodiragatsi jwa mmino wa Setswana, Rre Leungo Bosele o buile jalo mo potsolotsong bosheng. Rre Bosele a re setlhopha sa Phalana tsa Lekgarapa, se se agilwe ka banana ba feta masome a mabedi, mme o lemogile fa ditlhopha tsa mofuta o, di ka ntsha banana ba le bantsi mo mekgwatlheng. A re kwa Palapye ditlhopha tsa mmino wa Setswana di oketse banana kwa go tsone ka dipalopalo, a tlatsa ka gore dipina tsa Setswana di na le molaetsa o o ka fetolang maitsholo. A re setlhopha sa Phalana tsa Lekgarapa, se tlhamilwe ka ngwaga wa 2014 maikaelelo e le go lwantsha dikgwetlho tse di akaretsang botlhoka tsebe jwa banana. A re ba tlhama dipina tse di nang le molaetsa o o ka agang,. A re leloko lengwe le lengwe le fiwa sebaka sa go ntsha matshwenyego a gagwe a botshelo mme setlhopha se mmatlela thuso. Rre Bosele a re le ntswa ba itebagantse le go aga banana, mangwe a maikaelelo a bone ke go tsenya letsogo mo kgodisong ya bodiragatsi ka go ribolola ditalente mo bananeng. A re Phalana tsa Lekgarapa e setse e ribolotse ditalente mo bananeng ba Palapye le metse e e mabapi, a kaya fa ba ipelafatsa ka banana ba ba nang le ditalente tsa go opa diatla, go opela le go bina mebino ya Setswana ka go farologana. A re setlhopha sa bone ke mmamoratwa mo kgaolong ya Legare, a supa fa ba lalediwa go diragatsa mo medirong ya makalana a puso le a a ikemetseng ka nosi ka go farologana, a tlatsa ka gore ngwaga le ngwaga ba tsena dikgaisanyo tsa malatsi a ga tautona tsa bodiragatsi. “E re ntswa re ise re fitlhelele makgaolakgang a dikgaisanyo tseo, re amule go le gontsi tebang le bodiragatsi jwa mmino wa Setswana ka go bo re ithuta mo ditlhopheng tse re iteisanang borathana le tsone,” a tlhalosa jalo. Rre Bosele a re mo isagong ba tlaa thusa maloko a setlhopha a a sa berekeng ka go ba tlhamela dikgwebo tse dipotlana ka dipoelo setlhopha, e le nngwe tsela ya go ba leboga le go ba supegetsa fa mofufutso wa phata tsa bone o ka fetola matshelo a bone. A re o na le keletso ya go bona bodiragatsi jwa mo gae bo godile, mme ebile bo kgonne go ntsha banana ba le bantsi mo mekgwatlheng le go fetola maitsholo a bone, ba itshetse ka ditalente tsa bone. arts_culture_entertainment_and_media 0 Barui ba Tonota ba ngongoregela kepo ya motlhaba Balemi-barui ba botlhaba tsatsi jwa kgaolo ya Tonota ga ba jesiwe diwelang ke batho ba ba filweng diteseletso tsa go epa motlhaba mo nokeng ya Shashe, selo se ba reng se ba baya ka fa mosing e bile se senya noka. Se se bonagetse mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe mo kgotleng ya Seroto ke tona wa lephata la ngwao, metshameko le tlhabololo banana e bile e le Mopalamente wa Tonota, Rre Thapelo Olopeng. Fa a bua mo boemong jwa balemi-barui, Rre Maitshwarelo Kgosi o boletse fa noka ya Shashe e le yone motswedi wa botshelo le itshetso mo go bone ka ba dirisa metsi a a tswang mo go yone go nosetsa ditshingwana tsa merogo le go nosa leruo, selo se se ka sekeng se kgonege fa noka e senngwa. Rre Kgosi o supile fa dinoka di tshwana le ya Tati le Motloutse di bolailwe ke go epiwa ga motlhaba mo e bileng di setse di tletse e bile di medile le ditlhare. A re ka 2015, ba ne ba ikopanya e le balemi-barui ba Tonota le ba Bokone Botlhaba mme ba bitsa ba lephata la meepo, kabo ditsha le ba bogosi ba bo ba kwalela le tona wa dipalamo le ditlhaeletsanyo, Rre Kitso Mokaila, yo e neng e le tona wa meepo, kgotetso le metsi ka nako eo, ba ngongorega ka go epiwa ga motlhaba mo nokeng, ba bo ba kopa gore go emisiwe ka ba ne ba sa rerisiwa kwa tshimologong. Rre Kgosi a re ba maswabi ka seo se santse se tsweletse le mo nakong ya gompieno, ntswa noka e senyegela pele. A re go supagala fa go sena ope yo o ba tsereng tsia. Fa a ntsha la gagwe, mokhanselara wa kgaolo, Rre Thatayaone Moring o kopile Rre Olopeng go tsibogela kgang e ka bofefo le go e fetisetsa kwa go ba ba maleba gore ba bone gore ba thusa balemi-barui ka ba tswa kgakala ba lela ka go fa batho diteseletso gore ba epe motlhaba mo Shashe. Mo go arabeng matshwenyego a balemi-barui, Rre Olopeng o ne a tlhalosa fa go epiwa ga motlhaba e le kgang e e tshwenyang lefatshe lotlhe, a tlatsa ka go re dikompone tse dingwe di fetisa selekanyo se di se filweng sa go tsaya motlhaba. O ne a tlatsa ka go re lephata le le lebaneng le tsweletse ka go dira dipatlisiso ka ditena tsa motlhaba wa kwa Kgalagadi. Rre Olopeng a re ba solofetse gore dipatlisiso di tlaa thusa go araba kgang ya go epiwa ga motlhaba mo dinokeng mme o solofeditse balemi-barui fa a tlaa fetisetsa selelo sa bone kwa go ba ba maleba. society 9 Motlobo o ka kgapha banana mo bosuleng Kgosi Lesupang Mapini wa motse wa Gweta o gakolotse banana go supa kgatlhego tebang le go dirisa motlobo wa dibuka kwa motseng oo. O buile jalo mo potsolotsong le lekala la dikgang la BOPA bosheng, mme a re mangwe maikaelelo a motlobo wa dibuka ke gone go rotloetsa banana go ikgapha mo ditirong tsa botlhoka tsebe. A re motlobo wa dibuka gape o ka ba fa lesedi le kitso tebang le maano a go ka itirela dikgwebo kgotsa sengwe se ba tlhabololang matshelo a bone. Le fa go ntse jalo, Kgosi Mapini o supile fa a sa itumedisiwe ke go bona bontsi jwa banana mo motseng ba sa kgatlhegele go dirisa motlobo wa dibuka ka jaana ba tsweletse ka go amega mo ditirong tse di rotloetsang botlhoka tsebe. A re bangwe ba tsweletse ka go dirisa dinotagi, go sa tsena sekolo sentle mo go felelang go dira gore maduo a bone a sekolo a wele tlase le gammogo le tse ko phelelong di ba senyetsang isago. Go sale foo, Kgosi Mapini o bile a supa gape fa a sa itumedisiwe ke go bona bangwe banana ba sena kgatlhego ya go ka ikopela dithuso tsa madi a banana go ka itshemololela dikgwebo tsa sennela ruri, a re ba fela pelo mme ba felela ba tsena lenaneo la Ipelegeng ka dipalo tse di kwa godimo. A re Ipelegeng ga e na bothata, fela banana ba tshwanetse go sekaseka mananeo a mangwe a a ka ba direlang ditiro tsa sennela ruri gore le bone ba kgone go iponela motswedi wa itshetso. Kgosi Mapini a re le fa banana ba tsenelela lenaneo la Ipelegeng, sengwe se se sa itumediseng ke go bo bangwe sa dire tiro e ba e abetsweng ba le tlhaga fa bangwe ba felela ba gotlhagotlhana le bagolo. A re go botlhokwa gore banana ba itlharabologelwe, ba dirise mananeo a ba a beilweng fa pele go ka itirela isago e e kgatlhisang, mme a tlatsa ka go gatelela botlhokwa jwa go nna pelotelele ka jaana go se sepe fela se se tlang motlhofo. Mo go tse dingwe, Kgosi Mapini o boletse fa ba lebanwe ke kgwetlho ya dikereke tse di tsweletseng ka go runya mo motseng, mme a re go setse go na le dikereke tse di farologaneng di feta masome a marataro. A re dingwe dikereke tse ga di a kwadisiwa ka fa molaong, di fela di tsenela mo malapeng fa tse dingwe tsone di ipeile fela mo sekgweng go se ka fa molaong. Kgosi Mapini o bile gape a supa fa dingwe dikereke tse di na le seabe go rotloetsa banana boitsholo jo bo sa siamang ka jaana dingwe di tswa masigo gare. A re bangwe banana, bogolo ba basetsana ba na le go lala ba gobeya masigo ba supa fa ba tswa kerekeng. Kgosi a re seemo se ga se a siama ka jaana se baya matshelo a bone mo diphatseng gape go ka rotletsa dikgang tsa petelelo le melato e mengwe e e farologaneng. BOKHUTLO education 4 Makhanselera a lebogela diphetogo Makhanselara a kgaolo potlana ya Palapye a lebogetse diphetogo tsa go simolodisiwa ga dipego tsa maphata a puso le khansele ka ba re go tla dira gore ba itse sentle se se diragalang gore ba kgone go thusa fa go tlhokegang teng . E rile ba bua mo phuthegong e ba neng ba itlhokoletsa phuthego ya khansele ya Legare, ba supa fa thulaganyo eo ele botlhokwa fela thata, segolo jang ka bontsi jwa bone ba le basha ka jalo ba sa itse maphata sentle gammogo le boeteledi pele jwa one. Makhanselara ba re seo se tla a dira gore ba rwale setlhako sele sengwe le maphata ka ba tla a bo ba lemoga sentle se se ba paledisang go isa ditlamelo ka nako kwa batlhophing le go nna bontlha bongwe ja mathata a maphata a lebaneng le one. Bontsi ja maphata a puso le a khansele ba re ba kopana le mathata a tirisano mmogo ya bodiredi le didirisiwa gammogo le tsone dipalamo tse di ka ba kgontshang go neela setshaba ditlamelo ka manontlhotlho. Mongwe wa ba ba neng ba ntsha pego Mme Kedirileng Moseki yo o neng a itebagantse thata le bana ba dikhutsana, o tlhalositse gore ba tlhokomela bana go fitlhelela ba nna dingwaga tse di lesome le boferabobedi, go tswa foo ba fetisediwa ka fa dithusong tse dingwe tsa gore jaanong ba godile ke bana ba ba nang le letlhoko. O tsweletse a re bana bao ba fiwa sebaka go tsena mo dithutong tse di farologaneng tsa ditiro tsa diatla segolo jang fa maduo a bone a sa ba kgontsha go fetela mmadikole. Mogolwane wa tsa matlo kwa khanseleng a lebagane le lenaneo la SHAA, Mme Bathusi Oduetse o tlhalositse fa ba tsweletse ka go aga matlo a lenaneo la Turnkey le la SHAA mme a supa fa ba lebagane le go thusa metse ya kgaolo ya Palapye ele 27. O tsweletse a tlhalosa fa P60 000 wa lenaneo la Turnkey le ba le tshwaraganetseng le Botswana Housing Corporation a sa tlhole a lekana ka didirisiwa tsa kago di tura fela thata mme a re seo se dira gore matlo a tlogelwe a sa fela madi one a setse a fedile. O supile gape fa ba ba thusitsweng go agelwa matlo ka lenaneo la SHAA le bone ba sa duele sentle go fa ba bangwe sebaka sa gore ba akole lenaneo leo. Mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Palapye, Rre Boikaego Maswabi o supile fa ba tshwere ka natla go batla lefatshe la metse e e welang mo go bone e akaretsa Palapye le Letswapo, a re mme ba kgonne go bona kwa ba ka godisetsang metse ele mentsinyana teng jalo a supa bontsi ja mafelo a tla a abelwe setshaba mo ngwageng ono wa madi. E ne yare ba ba kgwa kgaba, makhanselara a supa fa a sa itumedisiwe ke ka fa go dirwang ditshekatsheko tsa batlhoki ka teng, ba re nako e nngwe le fa ba sa rutelwa tiro eo ba bona gore ga go dirwe dilo sentle. E rile a itebaganya le ba lephata la metsi, mokhanselera wa Radisele Rre Kgosiemang Monare a supa fa a tshwenngwa ke madi a metsi a kwa godimo lefa motho a dirise jalo a batla tlhaloso ya gore pompo e duelelwe bokae. O tsweletse a bolela fa a a sa itumedisiwe ke nako e telele e e tsewang go baakanya didiba fa di senyegile gotwe ga gona di didirisiwa. Mokhanselera wa Topisi Rre Artie Boitshwarelo ene a re o tshwenngwa ke gore kwa kgaolong ya gagwe ga gona metsi jalo ba sielwa ka dikoloi tse le tsone di sa kgoneng go nosa metse ya kgaolwana tsa gagwe sentle. Mokhanselera yoo o itlhophetsweng, Mme Elizabeth Gabathuse ene o kopile go tlhalosediwa gore extension 6 le 7 di ya go dirwa leng ka lenaneo le lesha la kwadiso ya ditsha. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Kemonokeng e ka isa bana mankalengkaleng Mokwaledi wa ga Tautona, Rre Carter Morupisi, o kgothaditse batsadi go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana. Rre Morupisi o ntshitse kgothatso kwa moletlong wa kabo dimpho wa sekole se sebotlana sa Xhumo kwa kgaolong ya Boteti. A re thuto ke motlhala wa bokamoso jo bo siameng mme bana ba ka kgona fela ka thotloetso le kemo nokeng ya batsadi. A re batsadi ba tshwanetse go nna le seabe se se tona mo thutong ya bana ba bone ka go tlhokomela gore bana ba dira tiro ya bone ya sekole ga mmogo le go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana. Rre Morupisi a re thuto ga se go ruta bana dithuto fela, mme ke go rotloetsa botho, boitshwaro le go gogela bana mo Modimong. O tsweletse ka go kopa batsadi go gakolola le go kgalemela bana fa ba sa dire sentle lefa e se ba bone gore ba tle ba itse gore mogolo mongwe le mongwe ke motsadi. Rre Morupisi o kgothaditse batsadi go ema nokeng komiti ya batsadi le barutabana, a re o lemogile gore batsadi ba latlheletse dikomiti tse ka gore ba akanya gore barutabana ke bone ba tshwanetseng go tlhokomela thuto ya bana. O ne a akgola bana ba ba amogetseng dimpho a re ba tswelele ba dire bontle jalo go tsena kwa dikoleng tse dikgolwane. O bile a rotloetsa baithuti go ithuta thata gore ba tle ba fenye dithuto tsa bone a re ba ka kgona se fela fa ba bala, ba dira tiro ya bone ya sekole ya kwa malwapeng. O bile a kopa kgosi gore a rotloetse batsadi gore ba tsenye letsogo mo thutong ya bana le go ba kgothatsa gore ba ikgaphe mo dilong tse di maswe tse di ka ba senyetsang sekole. Rre Morupisi o ile a leboga barutabana ba sekole seo, boineelo jo ba nang le jone lefa ba na le dikgwetlho tsa lefelo le ba berekelang mo go lone. Rre Morupisi o itlamile go nna morotletsi wa sekole se sebotlana sa Xhumo mme o ba thusitse ka P3 000 go baakanyetsa moletlo wa kabo dimpho. A re maikaelelo a gagwe ke go bopa sekole sa Xhumo gore se tswe mo maduong a a kwa tlase a se mo go one gompieno. Mogokgo wa sekole seo, Mme Gagobonwe Tshegofatso, o supa fa ba tlhaelelwa ke metsi seemo se a reng se maswe ka jaana ba dirisa diemere kwa matlwaneng a boitiketso, tiego ya go emisediwa ga barutabana ba ba fudisitsweng, maduo a a kwa tlase le tlhaelo ya dibuka. Mme Tshegofatso a re batsadi ba rotloetsa sekole mme mo thutong ya bana ga ba tle, o bile a re barutabana ba a leka le fa maduo a le kwa tlase. E rile a tlhalosa ka maikaelelo a moletlo oo, morulaganyi wa one mme Dipula Nkape a re ke go rotloetsa bana ba ba dirileng sentle, le gore ba ba sa tsayang sepe ba kgothale ba batle go fenya. education 4 Tona o tlhaba dikomiti podi matseba Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso, o gwetlhile maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse go nna podi matseba ka tiro ya bone. O buile jalo ka Labobedi mo phuthegong ya kgotla e e neng e tsenwe ke baemedi ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse go tswa mo kgaolong ya Mmathethe-Molapowabojang. Mme Tshireletso a re maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse a tshwanetse go obamela melawana e e tsamaisang dikomiti go tswa kwa lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae. A re go le gantsi go na le dikomiti mo mafelong mangwe tse di tlotlileng go sa obameleng melawana eo mme ba felele ba itirela ya bone e a reng go le gantsi o fitlhela e baya makgamu a batho bangwe ka fa mosing. O supile fa a lemogile gore go le gantsi maloko mangwe a dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse ga a letlelelwe go ka tsena mananeo a Ipelegeng segolo bogolo a go apaya diphaphatha tse di fiwang babereki ba Ipelegeng. Le fa go ntse jalo, mothusa tona o tlhalositse fa Motswana mongwe le mongwe a na le tshwanelo ya go akola dithuso tse di roletsweng setshaba ke puso kwa ntle ga kgethololo ka jaana kwa komiting ya ditlhabololo ba a bo ba ithaopile fela. Mme Tshireletso o ne a gakolola dikomiti go nefefatsa gore ba tshwara diphuthego mo dikgotleng tsa bone go lekodisa morafe ka fa ba tshwereng ka teng a re e bile go tlaa ba thusa go amogana megopolo go ka tokafatsa ditsamaiso tsa ditirelo mo motseng. O ne a kopa baeteledipele ba dikomiti go nna sesupo mo setshabeng ka go nna botho le go dira ka bonatla. A re go dira jalo go ka nonotsha komiti gore e nne tlhaga mo go ageng metse ya bone ka botswapelo. O ne gape a ba kopa go nna lebole ka go gopola ba ba dikobo dikhutshwane ka go nna ba ba agela matlo le tse dingwe tse di ka thusang go tokafatsa seemo sa matshelo a bone gore le bone ba tshele matshelo a a eletsegang. O gwetlhile batshwara madi gore le bone ba nne malalaalaotswe ka dipego tsa madi a gatelela ka gore sengwe le sengwe se direlwe mo pontsheng go itsa dikgoberego. Mo go tse dingwe, mothusa tona o ne a ba tsibosa ka ditsetlana dingwe mo melawaneng ya go tsamaisa dikomiti e e kgaphetsweng kwa ntle morago ga ditshekatsheko tse di tseneletseng. O supile fa tsetlana e e neng e tlama gore leloko la komiti le bo le kgona go bala Setswana kana sekgoa mme e tswelela ka gore kana leloko le bo le na le teseletso ya boagedi e phimotswe ka go lebega e ne e na le dibelebejana. Fa a amogela baeng, Kgosi Kedirile Letshabo o ne a ikuela mo go mothusa tona gore motse wa Molapowabojang o saletse kwa morago ka ditlhabololo ka jalo a kopa mothusa tona gore ba sekasekelwe mo lenaneong la go rudisa itsholelo (ESP) go potlakanyetsa kago ya metshelakgabo e e mo kgaolong ya bone. O ne a supa gape fa motse wa bone o sena ditselana tse di tsenelelang mo gare ga motse mme se, se sa jese diwelang, a supa fa seo se ba baya ka fa mosing ka jaana motse o ketefalelwa ke go oka bagwebi. Kgosi Letshabo o supile fa ba tlhokana le koloi ya kgotla ka jaana ba lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya dipalamo. Mo go tse dingwe, maloko a dikomiti a ne a kopa gore ba okelediwe madi a dikatso go tswa mo go makgolo a mabedi le masome a a ferangbongwe a dipula go ya kwa go makgolo a matlhano a dipula gore ba tle ba kgone go itshetsa le ba malwapa a bone. Ba ne ba tlatsa ka gore ba kopa gore ba amogelele kwa diposong go na le gore ba neelwe dicheke kana ba latisetswe madi ao kwa metseng ya bone ke ba ba maleba, ba tlhalosa fa bangwe ba kgona go nna dikgwedi ba sa amogele ka ntlha ya gore ba nna kwa metseng e e kgakala le ditlamelo mme ba sena le one madi a go latela dicheke tseo kwa metseng e megolwane. Ba ne ba supa gape gore bommaboipelego ba na le go nna maoto a tshupa go dira ditlhotlhomiso tsa batho ba ba tshwanetseng go bona dithuso tsa ga goromente. Fa a ba kgwa dikgaba, Mme Tshireletso o kopile ba ofisi ya boipelego go tsenya leitlho le le ntshotsho mo go kanokeng batlhoki ka jaana a re o fitlhela bangwe ba na le bokgoni jwa go ka itshwarela ka diatla mme ba tsentswe mo lenaneong la batlhoki mme go tlodisiwa matlho yo e leng motlhoki tota e bile a sena tokololo. politics 7 Sekole sa Mmanaana se ipelela ngwao Molaodi wa Moshupa, Mme Berman Mosime o akgoletse barutabana ba sekole se segolwane sa Mmanaana go lemoga fa ngwao e ka ba thusa go ruta bana le go ba pepetletsa ba ikegile ka se Motswana a itseng se ka kaela ngwana. Molaodi Mosime o buile jaana mo boemong jwa ga Kgosi Oscar Mosielele wa Moshupa kwa modirong wa go ipelela le go rotloetsa ngwao bosheng. Molaodi o tlhalositse fa se se tsamaelana le nngwe ya dithuto tse ba di rutwang go lebelelwa gore go diragalang ka go lebega o ka re ngwao ya Botswana e a nyelela, e bile e gomagomediwa ke mekgwa le dingwao tse dingwe, tse di tswang kwa ntle. O ne a rotloetsa bana ba sekole seo gore ba bone tiro ya letsatsi leo e le ya botlhokwa ka e ka ba thusa go tlhalosa gore lefatshe la Botswana le agetswe mo merafeng e e farologanyeng le ngwao e e popota. “Lefatshe le le fa le leng teng ka ntlha ya batsadi le boeteledipele jwa rona jwa setso, jo bo godiseditseng Batswana mo ngwaong ya lefatshe la rona. Le fa re le merafe e mentsi e e farologanyeng, re tshwanetse go ipelafatsa ka ngwao ya rona le se re leng sone,” molaodi a tlhalosa. O ne a bua a sa kgale mathe, a tlhalosa gore botho, kagiso, tlotlo, lerato, bonatla, neelano ya Motswana di ikaegile ka ngwao ya Setswana O tlhalosa gore thuto e tshwanetse go ikaega ka ngwao, ka e bile bana ba sekole ba tshwanelwa ke go itse gore motho o tshwanetse go tshela jang le ba bangwe. O galaleditse maiteko a seo go bo ba diragatsa gore maitlamo a go ruta bana ka ngwao a gole, a tlhalosa fa lephata la thuto e le pilara kana boremelelo jwa go ruta ngwana gore o gola ka tsela e e ntseng jang le ba bangwe. Mme Mosime o boletse fa ngwao ya Setswana e le monate thata, kapari, dijo le puo tota di rokotsa mathe. O boletse fa mo ngwaong go na le meila. A re botsetsi bo a ilelwa e bile go kile ga bo go na le bogwera le bojale bo ruta maitseo le go bopa setho sa Motswana. O boletse fa Batswana ba ikaegile thata ka temo-thuo, a ba a rotloetsa bana go inaakanya thata le dithuto tsa teng. “Tautona wa ntlha o rile tshaba e e senang ngwao ke moka e latlhegileng,’’ a rialo. Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Moatlhodi Katisi o supile fa dikole di tshwenngwa ke maitseo a bana ba dikole, jalo tsholofelo e le gore morago ga go ruta bana ka ngwao, go tlaa nna le phetogo ka maitseo le maitsholo a bone. Rre Katisi o kgothaditse bana go rata le go itlotlomatsa ngwao ya bone le go ja dijo tsa segabone. O boletse fa malatsi ano bana ba palelwa ke Setswana ba bona go le botoka go bua sekgoa. Fa a amogela morafe mo letsatsing leo, mogokgo wa sekole seo, Rre Sabata Tlhaselo a tlhalosa fa ngwao e rotloetsa mowa wa tirisano mmogo fa gare ga barutabana le batsadi mmogo le batsaya karolo jaaka baithaopi. A re gantsi barutabana o fitlhele ba sokola le bana ba le nosi batsadi e le balebeledi fela. O boletse fa boradikgwebo bangwe mo Moshupa jaaka Dladleng entertainment ba ba thusa ka dimpho go abela bana ba ba dirileng sentle. O lebogetse komiti ya barutabana le batsadi go bo e bereka mmogo ka botswapelo go aga bana ba sekole. Sekole gape se ne sa abelwa para ya ditlhako di le 17, go tswa kwa baithaoping ba Amerika. Mo letsatsing le gone go supilwe didirisiwa tsa ngwao, go na le mmino le maboko ka ditlhopha ka go farologana di akaretsa, Mafitlhakgosi le metshameko go supa ngwao. Bana ba sekole, barutabana, batsadi, le barotloetsi bane ba itatswa menwana ka dijo tse di farologaneng tsa Setswana. BOKHUTLO education 4 Modulasetilo o lekodisa banni ka lenaneo Modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Mephato Reatile, a re lenaneo la Ipelegeng mo kgaolong ya Borwa le hira batho ba le dikete di le tlhano, makgolo a le mabedi, masome a ferabobedi le metso ele merataro. Rre Reatile a re dituelo tsa babereki ka kgwedi ke madi a a fetang didikadike tsa dipula di ferabobedi kgaolo ka bophara fa bathugi mo dikolong tse dipotlana bone ba duelwa madi a a fetang didikadike tse tharo ka ngwaga kgaolo ka bophara. Modula-setilo o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa kgaolwaneng ya Nyorosi Botlhaba kwa Kanye ka Mosupologo. A re ba-na-le-bogole ba le makgolo a le mararo , masome a le mane le metso ele merataro ba tsentswe mo lenaneong la go thusiwa ka makgolo a mararo a dipula ka kgwedi. Rre Reatile boletse fa bana ba masiela le batlhoki botlhe mo kgaolong ka bophara ba ba fetang didikadike tse di lesome le boraro ba tlhokomelwa ka madi a a fetang didikadike tse di masome a matlhano le borataro tsa dipula. Mo go tse dingwe, Rre Reatile o lekodisitse banni fa e tlaare mo bogaufing molao wa Khansele o o laolang loruo lo lo tletseng mo motsing, le modumo wa marekisetso a nnotagi, o tsene mo tirisong. A re fa bogosi bo sena go buisanya le morafe ka molao o, loruo lwa go nna jalo le tlaabo le tsewa go isiwa kwa lesakeng la matimela mme khansele e gwebe ka lone. A re molao o o tlaa ama khansele potlana ya Kanye le Moshupa fela, ka ke gone kwa gonang le dingongorego tsa leruo lo lo tletseng mo motsing ebile le senyatsa batho.Rre Reatile o tlhaloseditse banni bao fa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse jaanong di tsentswe mo molaong o o tsamaisang dikhansele gore go tlhokomelwe tiriso ya madi sentle. O tlhalositse gore jaanong go mo thulaganyong gore fa go tlhophiwa maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse, go lebelelwe pele dilo dingwe tse di ka kgoreletsang moikopedi gonna leloko la komiti eo, tse dingwe tsa tsone eleng go tlhomamisa fa moikopedi a sena kamano gope le borukutlhi bope jo bo amanang le madi ebile a se mo dikolotong tse di mo tsoseditseng modumo. A re baikopedi ba tlaa tsenya dikopo tsa go nna jalo ka mokwalo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Gaontebale Lenong o ne a tlhalosa fa mo kgaolwaneng ya bone komiti e tshwaragane sentle le kgosi le mokhanselara. A re sebe sa phiri ke gore lenaneo la nyeletso lehuma lone le ba beile ka fa mosing k aba sa bone dipe dithuso tsa lone. O iteetse komiti ya gagwe logofi a re e tlhokomela madi sentle a re seo se rurifaditswe ke badupi ba dibuka. politics 7 Mokhanselara o abela ba-na-le bogole Baithuti ba ba nang le bogole kwa sekolong se se botlana sa Ratsie Setlhako kwa Palapye ba abetswe dibuka tse di balwang, tse go kwalelwang mo go tsone, dipena, metako, dipensele le dibaebele mongwe mongwe wa bone. Baithuti ba ne ba abelwa ke mokhaselara wa kgaolwana ya Maphula legare, Rre Molefhane Tseladikae. Rre Tseladikae a re ka e le morongwa wa bone kwa khanseleng, ke maikaelelo le kekeletso ya gagwe go itebaganya le kgwetlho e e lebaneng ba-na-le-bogole, ka le bone fela jaaaka mongwe le mongwe ba na le seabe mo ditlhabololong tsa lefatshe leno. O ne tlhalosa fa go tshwanela gore e re pele ga tebelopelo ya setshaba e ya bokhutlong le ene abo a nnile le seabe mo go yone ka go itebaganya le letshego la go aga setshaba se se lerato le kutwelo botlhoko. O ne a kopa batsadi gonna le seabe mo go thuseng ba-na-le-bogole, go na le go baitlhokomolosa a re ke bone ba batlhokang thuso go feta ba ba baitekanetseng ka bone basena boitiro le bokgoni jo bokalo. E rile a amogela dimpho tseo, mogokgo wa sekolo seo Mme Mpho Ofetotse a re batho baba tshwanang le Rre Tseladikae ba a tlhokega mo setshabeng. A tswelela ka go gakologelwe le go lebogela ba Kopano Foundation, Stanbic, Barclays le First National Bank ka le bone ba kile baba abela dimpho. Mme Ofetotse o ne a buwa ka pelo e e botlhoko ka letlhoko la matlo a borutelo mo sekolong sa bone,o ne a tlhalosa fa baithuti ba le masome a mararo le bosupa (37) ba tsena mo ntwaneng ya borutelo e le nngwe, mme ka tshwanelo ntwana ya borutelo e tswanetse go tsena bana ba supa fela.one a kopa gore makalana a a farologaneng le morafe ba ba thuse ka didirisiwa tse di farologaneng gore ba fitlhelele bokamoso jwa bana ba. Mogolwane wa thuto wa kgaolwana potlana ya Palapye Rre Motshegetsi Gorileng o lebogiIe barutabana le batlhokomedi ba bana ba sekolo ka tiro e e ntle e ba e dirang le lorato le ba le neelang baithuti.O ne a tswelela a leboga mokhanselara Rre Tseladikae ka lebole le lorato le a nang le lone mo bathong ba a baemetseng kle ba eseng ba kgaolo ya gagwe tota. BOKHUTLO education 4 Ba koporase ya metsi ba abela motlhoki ntlo Mogolwane wa tsa maranyane mo koprasing ya Water Utilities kwa Gaborone, Rre Nchidzi Malulela a re ke boitumelo jo bogolo go bona Batswana le dikhamphani tse di ikemetseng ka nosi gammogo le bagwebi ba tsweletse ka go diragatsa kopo ya ga Tautona ya go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka matlo a boroko. Rre Malulela o supile boitumelo jo bosheng fa a ne a abela Rre Kenamile Gabatwaelwe wa kgotla ya Moloko mo Mahalapye ntlo e e agilweng ke badiri ba Water Utilities mo Mahalapye ka P96 406. A re kgato e e tserweng ke badiri ba koparase go agela Rre Gabatwaelwe ntlo ke tsela nngwe ya go diragatsa boikuelo jwa ga Tautona jwa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong le go diragatsa tebelopele ya 2016 ya tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala ka matshelo a Batswana ba bangwe. Rre Malulela o boleletse batho ba ba neng ba thologetse tiro eo gore fa e sale ka 2012 go tsena gompieno Water Utilities e setse e agetse batlhoki matlo a boroko ale marataro kwa Letlhakane, Palapye, Mochudi, Kanye le Jacklas 1. A re dingwe tse koporase ya gagwe e di dirileng e sena go neelwa boikarabelo jwa go siela Batswana metsi ke kago ya meriti e mebedi kwa maemelong a dipalamo tsa setshaba kwa Kalakamati le go abela bana ba sekole se sebotlana sa Rasetimela kwa Bobonong paka ya sekole. Mogolwane wa Water Utilities mo Mahalapye, Rre Moitseemang Monthe o tlhalositse fa mogopolo wa go agela Rre Gabatwaelwe ntlo o simologile ka 2013 morago ga kgakololo e e duleng ka Mme Keaoboka Tshwene yo e leng modiri mo koporasing eo. Rre Monthe a re pele ga ba agela Rre yoo ntlo ya boroko, o ne a tshela ka go robala ka fa tlase ga moremotlala ka jaana matlo a a neng a a tlogeletswe ke batsadi a ne a setse a digilwe ke dipula. O akgoletse morafe wa Mahalapye le bagwebi ka go farologana go ba thusa ka madi le didirisiwa tsa kago gore ba kgone go wetsa maikaelelo a go agela Rre Gabatwaelwe ntlo ya dikamore tse nne le go tsenya pompo ya metsi gammogo le go agelela segotlo. E rile modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mahalapye, Rre Mompati Ntapu a tswa mafoko a malebo mo boemong jwa mopalamente wa kgaolo, Mme Botlogile Tshireletso, a akgolela badiri ba Water Utilities go nna le mowa wa bopelotlhomogi ka go nna le seabe mo go thuseng mmuso go agela ba ba dikobo dikhutshwane matlo a boroko. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ba itumelela motlakase Banni ba Metsibotlhoko mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng ba supile fa ba itumeletse maiteko a puso a go ba tsenyetsa motlakase mo ngwageng oo tlang wa madi. Dikgang tse, di tsile ka mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Ngaka Ngaka mo phuthegomg ya kgotla bosheng. Kgosi Bafentse Moatsheng wa Metsibotlhoko o supile fa seo se tlaa dira gore botshelo mo motseng wa gagwe bo tshwane le kwa metseng e mengwe ka jaana letlhoko la motlakase le ne le ba beile ka fa mosing ba sa kgone go akola mananeo a puso sentle. Kgosi Moatsheng a re jaanong ba tlaa kgona go lebelela dikgang mo maranyaneng e le nngwe ya go oketsa kitso e ba nang le yone ka tse di diragalang mo lefatsheng. O ne gape a supa fa go nna teng ga motlakase go tlaa thusa go tokafatsa maduo kwa sekoleng se sebotlana ka jaanong barutabana ba tlaa kgona go tlhatlhelela bana ba dirisa maranyane a segompieno. Kgosi Moatsheng o ne a kaya fa borukhuthi bo ile magoletsa mo motseng mme seno se bakwa ke lefifi. O tlhalositse fa e le tsholofelo ya bone gore go nna teng ga motlakase go tlaa thusa go ngokela bodirela puso mo motseng oo ka jaana bontsi bo ntse bo le maoto a tshupa go tla go berekela koo. Ba komiti ya ditlhabololo ya motse ba ne ba supa fa letlhoko la motlakase le ntse le ba kgaoganya le banni ka ba re ba palelwa ke go fitlhelela maitlamo a bone. Mothusa modulasetilo wa komiti eo, Mme Bontle Keamegile, o ne a bolela fa motlakase o ka ba thusa go ngokela bahirisi mo matlong a bone mme ba dire letseno. Mo go tse dingwe Kgosi Moatsheng o boletse fa seemo sa metsi se sa ba jese diwelang. BOKHUTLO politics 7 Kgosi Tshukudu o lela ka seemo sa tsela Kgosi Robert Tshukudu wa Malotwana ga a jesiwe diwelang ke seemo sa tsela kwa motseng oo. O kaile fa seemo sa tsela e se sa kgatlhe gotlhelele . Kgosi Tshukudu o boletse mo potsolotsong fa seemo sa tsela eo se dira gore matshelo a batho a nne mo diphatseng le gone go senya dikoloi. “Tsela e ga e a siamela batho ba basha mo motseng ka go bo ba sa itse seemo sa yone mme go bake dikotsi”, a tlhalosa jalo. O tsweletse a tlhalosa fa a ikuetse kwa bagolwaneng ka seemo sa tsela e, mme ga go na tharabolo. A re o ne gape a ikopanya le khansele go gopa tsela ka fa thoko ga yone, ka e ne e setse e babalela dikoloi. Kgosi a re o ka itumela thata fa go ka tsewa kgato ka seemo sa tsela e, ka ke yone e gokaganyang Malotwana le metse e e mabapi. A re nngwe ya botlhokwa jwa tsela e ke go tlisa babeeletsi mo motseng, mme se se dire gore banana ba kgone go bona ditiro. O ne a tlhalosa gore tsela e e botlhokwa ka e thusa go tlisa ditlhabololo le go bapatsa mantlenyane a motse oo. Kgosi Tshukudu o ne a supa gape fa ditlhabololo tse dingwe mo motseng di santse di saletse kwa morago. A re dingwe tsa ditlhabololo tse di diriwang ka madi a dikgaolwana tsa botlhophi di santse di saletse kwa morago. Kgosi Tshukudu a re ditlhabololo tse di akaretsang moalo wa ditena le mesele ya kgopo ya metsi a a leswe di saletse kwa morago. A re tiego ya ditiro tse e dirwa ke botlhoki jwa di dirisiwa tse di tlhokafalang go wetsa tiro eo mme o solofela fa e tla wela mo bo gaufing. disaster_accident_and_emergency_incident 2 ‘Thusanang le mmuso go lwantsha lehuma’ Mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele o kopile baeteledipele ba khansele le ditlhogo tsa maphata a puso go thusana le puso go lwantsha letlhoko la ditiro le lehuma le le apesitseng Batswana kobo ka letshoba. Rre Makgalemele yo e bileng e le mothusa tona wa lephata la botsogo le boitekanelo, o dirile kopo e kwa phuthegong e a neng a e kopanetse le ditlhogo tsa maphata, go lekodisana ka ditlhabololo tse di tlaa dirwang kwa kgaolong ya botlhophi ya Shoshong. A re ke boikarabelo jwa badirelapuso go isa ditlamelo kwa bathong le go thusa ka dikgakololo ka mananeo a puso go tokafatsa matshelo le go tsosolosa itsholelo ya lefatshe. Mopalamente o tlhalositse fa go ngomola pelo go bona Batswana ba tshelela mo lehumeng ntswa puso e ntshitse mananeo a batho ba ka a dirisang go simolola dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone le go bulela Batswana ba bangwe diphatlha tsa mebereko. Rre Makgalemele o boleletse phuthego fa maikaelelo a gagwe e le go ngoka bagwebi ba ba ka simololang dikgwebo tse di ka direlang banana ba kgaolo eo ditiro gore ba emise go tshelegela kwa ditoropong ba batla mafulo a matalana. A re go ngomola pelo go bona banana ba Mokgenene le Poloka ba ba tswang go ithutela ditiro tsa diatla kwa India ba kaila mo mebileng ntateng ya go tlhoka go thusiwa ka didirisiwa tsa go simolola kgwebo. Rre Makgalemele o kopile gore go sekasekwe go dirisa bontlha bongwe jwa P10 million yo o abetsweng kgaolo ya Shoshong go tlhabolola polase ya batho ba Moralane le go tlhabolola lefelo la bojanala kwa Kodibeleng. A re bontlha bongwe jwa madi a nyeletso lehuma a ka dirisiwa go simolola dikgwebo tsa dikoporase, temo ya merogo le maungo, thuo ya dikgomo tsa mashi, thuo ya dihutshane le dikoko tsa mae le nama ka e le dikgwebo tse di ka nyeletsang lehuma le letlhoko la ditiro. Modulasetilo wa khansele ya kgaolo-potlana ya Mahalapye, Rre Tassman Cebani o kgothaditse badirelapuso go ititaya ka thupana go direla setshaba ka matsetseleko ka puso e ba duela kgwedi le kgwedi go direla tshaba ya Botswana. BOKHUTLO politics 7 Molaodi o lela ka go thubega ga malwapa Mothusa molaodi mo kgaolong ya Kgalagadi borwa, Mme Peggy Kutlase o ngongorega ka dipalo tse di ileng magoletsa tsa go thubega ga malwapa le ditlhalano. Mme Kutlase o ntshitse ngongorego e jmo potsolotsong bosheng, a kaya fa banyalani bangwe gantsi ba tsena mo lenyalong ba lebile gore bakapelo ba bone ba itsholetse go le kae, mme go sena lerato la nnete. O tlhalositse fa gantsi go thubega ga malwapa go bakiwa ke dithoto, go lobiwa ga bana gammogo le batsadi ba ba tsenelelang mo manyalong, ba ba felelang ba batla tlhokomelo e e feteletseng bogolo jang batsadi ba bana ba basimane, ba itlhokomolosa gore bana ba bone ba nyetse. A re mabaka a mangwe a akaretsa letso, seemo sa mogare wa HIV le jone bolwetse jwa AIDS, go sa dumalane mo go tsa tlhakanelo dikobo, go tlhoka go tlotlana le tiriso ya matlhapa. O tsweletse a re, fa gongwe banyalani ga ba kope dikgakololo mo batsading, baruti le ditsala tsa bone go ba thusa go rarabolola mathata a bone. Mme Kutlase a re morago fa dikgang di kukela, ba ikuele kwa dikgotla tshekelo, mme e re di ketefalela bomakasetarata banyalani ba felele ba kgaogane ka fa molaong. O tsweletse ka go kaya fa go tlhoka kutlwisisano mo malwapeng a banyalani go ama bana, ka mo gongwe ba kgona go tlhokelana botho fa pele ga bone. A re bana ga ba gole sentle, le maduo a dithuto kwa sekolong a wela tlase. Mme Kutlase o gakolotse fa tshidilo maikutlo pele ga lenyalo e ka thusa go emelana le diemo le tsone dikgwetlho tse ba kopanang le tsone. O kopile baruti, dikgosi le batsadi go laya banyalani le go ba bontsha tsela mo lenyalong, a kaya fa nyalo e se diketo. A re lenyalo ke mpho ya Modimo mme e tlhoka go somarelwa. O gakolotse gore kgolagano ya lenya lo e tlhokana le lorato lwa boammaruri, bopelotelele,go tlotlana, therisano, boineelo mo godimo ga gore o bo o itse e bile o tlhaloganya motho pele ga sengwe le sengwe. Go ya ka mothusa molaodi Rre Patrick Isaac, go simologa ka ngwaga wa 2011 go fitlha ngogola ba nyadisitse manyalo a le lekgolo le masome a matlhano le bone, a mo go one a le masome a mabedi le bobedi a setseng a tsogetswe ke medumo. A re kgang e nngwe e tshwenyang mo malwapeng ke borre ba ba kgokgontshang bomme ba bone ka go ba keteka, a supa fa bomme ba tle ba leke go itshoka mme e re ka setlhako se babalela morwadi, ba felele ba dule mo lenyalong. Rre Isaac o ne a gatelela thata gore pele ga banyalani ba tsena mo lenyalong, ba kope dikgakololo mo baruting, dikgosi le bone balaodi go ba sedimosetsa ka boleng jwa lenyalo le gone ka fa ba ka tiisang manyalo a bone ka teng. O supile fa dikgosi di ka thusa banyalani go tlhaloganya molao le tsamaiso ya lenyalo la Setswana, fa bone e le balaodi ba ka sedimosetsa banyalani ka molao le tsamaiso ya lenyalo la sekgoa, a tlatsa ka gore dikgakololo tsa baruti di ka thusa thata ka di ikaegile ka baebele, ka lenyalo le simologile ka Adam le Efa, seo ele thato ya Modimo gore ba age lelwapa, ba tshele mmogo ka lorato lwa nnete. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Ditirelo tsa dikhansele di boetse maemong Mokwaledi mo lephateng la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Boipolelo Khumomatlhare a re morago ga go tswa mo serubing, jaanong ditirelo tsa selegae ka bontsi di boetse mannong. Fa a lekodisa Batswana ka tsa lephata la gagwe mabapi le twantsho bolwetse jwa COVID-19, a re dikhansele di tsweletse ka go fa Batswana ditirelo tse di farologanyeng di akaretsa go tsaya matlakala, tsa ditima melelo le go gokela dipone mo mekgwatheng ga mmogo le go abela batho dijo. Le fa g ntse jalo, a re diphuthego tsa makhanselara di santse di sa tshwarwe, fa go tsena tsa dikomiti fela, go tsaya ditshwetso tse di tlhokafalang. A re molao o o tsamaisang dikgaolo, o letla dikomiti tse gore mo seemong se lefatshe le leng mo go sone, di tseye ditshwetso tse di tlhokang go tsewa ka potlako. Rre Khumomatlhare a re seemo sa COVID-19 se ba rutile go le gontsi jaaka botlhokwa jwa go bulela bagodi matlole a dibanka, go itsa go kgobokana kwa diposong. A re jaaka fa kgaolo ya Kgatleng e ne e saletse morago mo go abeng dijo, go nnile le tswelelopele go tswa mo nakong e e fetileng. Mogokaganyi wa lenaneo le le anamisang dijo go inola Batswana mo manokonokong a bolwetse jwa COVID-19, Rre Gabriel Seeletso ene o boletse fa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae le abetswe P200 million go tsweledisa lenaneo la go abela Batswana ba ba amilweng ke COVID-19 dijo. O boletse fa P150 million yo a neng a abetswe lenaneo leo, a fedile mo tikologong ya ntlha, mme lenaneo jaanong le tlaa tswelela le dira ka diphetogo dingwe ka bontsi jwa batho bo dule mo serubing go ka iphataphatela. Mo go P150 million yo a neng a abilwe lwa ntlha, P25 million o ne a dirisiwa go duela ba boipelego le ba ba neng ba thapilwe, fa P9 million a duetse boradikoloi ba ba thapetsweng go anamisa dijo, mme P114 million e le wa dijo. O boletse gape gore dijo tse di abilweng ke botlhe ba ba neng ba abela letlole la COVID-19, le tsone di thusitse. A re le fa go dulwe mo serubing, lephata le tsweletse ka go amogela dingongora tsa bangwe ba ba neng ba sa itumelela ka fa ditshekatsheko di tsamaileng ka teng, bogolo segolo ba ba sa fiwang dijo. Rre Seeletso a re go sekasikilwe malwapa a le 528 993, mme a le 416 347 ga fitlhelwa a tlhoka thuso. Mo malwapeng a a tlhokang thuso, go thusitswe fela a le 405 017 mo legatong la ntlha. Motshwarelela tona mo lephateng la Dikgaolo le Tlhabololo Magae wa ditlamelo tsa boranyane, Rre Mpho Morapedi a re jaaka dikole di bulwa beke e e tlang, thulaganyo ya go baakanya dikole go nna mo seemong se se amogelesegang go lwantsha kanamo ya COVID-19 e tsweletse. A re mo tirong ya go leka go lwantsha mogare, matlwana a boitiketso mo dikoleng a a baakanngwa, bogolo jang a a dirisang metsi. A re kwa go senang metsi, go tlhongwa ditanka tsa metsi gore ka dinako tsotlhe go nne go na le metsi. O boletse gore dikole di le 755 go netefaditswe gore di na le melora le matlhapelo a diatla. “Tiro e re sa le re e tshwere ka nako ya kiletso mesepele, mme re e tshwere sentle, e bile e tsamaela kwa motsubong,” ga bua jalo Rre Morapedi. economy_business_and_finance 3 Ga ba na go otlhaelwa Omang Mopalamente wa Maun Botlhaba, Rre Kontantinos Markus o rotloeditse Batswana go tswelela ba direla ba masika a bone Omang le ntswa lebaka la bone le fetile ka puso e sekasekile go emisa melatsa ya madi a a ntseng a lefisiwa batho ba go nna jalo. O buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa metseng ya Chanoga, Tshibogolamatebele le Xhana mo kgaolong ya Ngami bosheng. Rre Markus o ne a re batho bangwe ba palelwa ke go direla bana le ba masika a bone Omang ka ntata ya letlhoko la madi a melatsa, fa bangwe ba tsamaya sekgele se setelele go ya kwa ba ka bonang ditirelo teng. O tsweletse a re karata ya Omang ga se e motho a ka nnang a sena nayo ka jaana e kgoreletsa gore bangwe ba ka bona ditlamelo tsa puso. A re bangwe ba ne ba tshaba fa ba setse ba tlodisitse ka gone gotwe ba tlaa tshwarwa. Mo go tse dingwe, Rre Markus o ne a ba gakolola ka botlhokwa jwa go kwadisa ditsha tsa bone a re seo se tlaa ba direla tiro motlhofo ka go nna le setlankana (title deed) sa mahala e seng jaaka pele go ne go le thata go se bona ka e ne e le turu. O ne gape a ba itsese fa jaanong puso e dirile molao wa gore jaanong fa ngwana a le mo kgolegelong kwa lefatsheng le sele, batsadi ba na le tshwanelo ya go ka dira dithulaganyo tsa gore bo mo tseye kwa a tlaa bong a le teng go tla go feleletsa kgolegelo ya gagwe mo lefatsheng la ga gabo. O bile gape a itsese batho ba Chanoga Boseja fa a ba ba tletse madi a a kana ka P120 000 go ba epela sediba kwa kgaolong ya bone ka ba sa bolo go lela ka letlhoko la metsi. O bile a a neela batho ba motse wa Chanoga madi a a kana ka P10 000 a re ke a a neng a a ba solofeditse ka nako ya fa ba keteka moletlo wa ngwao kwa motseng oo. O ne gape a neela ba motsana wa Tsibogolamatebele P300 le ba Xhana P300 a re ke a boipuso. Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Chanoga, Rre Gaditshwane Kgantele o ne a lebogela dithuso tse ba dibonyeng go tswa kwa pusong jaaka matlo a le mabedi a batho ba ba tlhokileng lesego. O bile a tlhalosa fa seemo sa ofisi ya twantsho matlhoko a leruo kwa motseng oo e le mo seemong se se sa jeseng diwelang mo ebileng badiri ba lephata leo ba theogelela kwa ntle. O tsweletse a re badirela puso ba ba nnang mo matlong a VDC ba gana go duela a tlatsa ka gore go le gantsi ba ipata ka gore matlo ao ga ana motlakase ntswa ba tsenye mo go one ba ntse ba itse ka seemo seo. O tsweletse a re go sa dueleng ga batho bao go dira gore go pale go dira ditiro dingwe tse ba neng ba di akantse jaaka go shafadiwa ga matlo mangwe le go aga mantlwana a boiteketso kwa mabitleng ka ba sena madi. O boletse fa ba na le tlhaelo e e ntsi ya boroko jwa barutabana. Le fa go ntse jalo, o ne a akgola komponi e e baakanyang tsela e e thibeletseng mo motseng wa bone a re e agile matlo mangwe mme ba ba tshephisitse fa ba tlaa ba neela fa ba fetsa tiro eo. Fa a ba kgwa dikgaba, Rre Markus o ne a gakolola mothusa modulasetitilo gore a bone gore o tseela batho ba ba sa dueleng dikgato tse di gagametseng gore ba kgone go duela matlo ao. BOKHUTLO politics 7 Maele o rotloetsa banni go kwadisa ditsha Tona wa Ditsha le Matlo, Rre Prince Maele, o gwethile banni ba Maun go dirisa sebaka sa kwadiso ya ditsha mahala e e tlaa welang ngwaga ono o fela. Tona Maele a re go kwadisa ditsha go neela setsha sengwe le sengwe letshwao le le faphegileng. Rre Maele o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Maun bosheng, a tlhalosa fa ba ba tlaa kwadisang ditsha ngwaga oo tlang wa 2017 ba tlaa lefisiwa P10 000. A re lephata la kabo ditsha le tshwentswe ke tshenyetso setshaba mabapi le ditlankana tsa ditsha ka jalo a re ba mo lenaneong la go tokafatsa ditlankana tsa ditsha gore di nne thata go ka itirelwa ke dirukutlhi. Rre Maele a re Batswana ba thantse lo le tsebeng ka go supafala fa lefatshe le le nonneng le le mo diatleng tsa batswakwa. A re Batswana ke gone ba itharabologelwang nako e setse e ile, ba lemoga botlhokwa jwa go nna le ditsha mo mafelong a go nna jalo. Le fa go ntse jalo, Rre Maele o ne a gakolola Batawana le Batswana ka kakaretso go somarela lefatshe, ba emise go rekisa bonnye jo ba bo abetsweng ke ba kabo ditsha. Mopalamente wa Maun Bophirima, Rre Tawana Moremi, a re Batawana ba tswa kgakala ba lwela gore mafelo a bone a a mo makgobokgobong a boele mo diatleng tsa bone mme lephata la kabo ditsha le sa ba tsee tsia. Rre Moremi one a tlhalosa fa konokono ya lekgotla la kabo ditsha e le go thusa ka tshomarelo ya lefatshe mo boemong jwa setshaba. environment 5 Bolwetse bo bolaya dikoko kwa Machaneng Bontsi jwa barui ba dikoko kwa Machaneng mo kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami ba setse ba iphotlhere morago ga gore dikoko tsa bone di tlhaselwe ke bolwetse bongwe jo bo iseng bo rurifadiwe. Mo potsolotsong, mongwe wa barui ba dikoko Mme Kelebogile Thankane o supile fa dikoko tsa gagwe di tsweletse ka go mo latlhegela ka dipalo tse di kwa godimo. A re dikoko tsa gagwe di simolotse go supa bokoa mo dibekeng tse tharo tse di fetileng mme ya re malatsi a ntse a tsamaya tsa simolola go swa. Mme Thankane a re dikai tse di itshupang fa koko e tlhasetswe ke bolwetse jo di akaretsa go gotlhola, letshololo, go latlhegelwa ke keletso ya dijo, go tlhoka go nna matlhagatlhaga le go latlhegelwa ke nama. O ne a kaya fa nama ya koko e e bolailweng ke bolwetse jo e sa kgatlhisi ka e fetola mmala e nna ntsho. A re mo leganong le gone e nna bosula fela. Mme Thankane a re mo go botlhoko ke gore bolwetse jo fa bo setse bo tsene mo kokong ga bo alafesege ke ka moo dikoko di swang thata. O supile gore bolwetse jo ga se lantlha bo tlhasela dikoko tsa bone mme a re bo tla fa ba lebetseng teng. A re ga a ise a itse se se ka tswang se baka bolwetse jo mme fela o setse a itemogetse gore ke bolwetse jo bo tlang thata ka paka ya mariga. Mo letlhakoreng le lengwe, Mme Mariam Bontshitswe yo le ene a ruileng dikoko o ne a lela sa khuranyo ya meno fa a gopola dikoko tse di mo latlhehegetseng ka ntlha ya bolwetse jo. A re o ne a thusiwa ka dikoko di le masome a mabedi le botlhano ka lenaneo la LIMID ka kgwedi ya Tlhakole mono ngwaga. A re mme mo nakong ya gonpieno o setse ka koko e le nngwe fela e le yone e sa mo feng tsholofelo ya gore e tlaa bona botsogo. Mme Bontshitswe a re o ne a solofetse go le gontsi thata mo dikokong tsa gagwe ka di ne di setse di simolotse go tsala. O boletse gore ba ofisi ya lephata la botsogo ja leruo kwa Machaneng ba ne ba mo rotloetsa go di rekela melemo mme ga seka ga thusa sepe ka di ne tsa nna tsa tswelela ka go swa. Mme Mmanoka Moraedi yo le ene e leng morui yo mongwe, o ne a supa fa ene dikoko tsa gagwe di sa swe ka dipalo tse dintsi. A re ene ke motho yo o tshelang ka go siela dikoko tsa gagwe matlhare a a sidilweng a setlhare sa moringa le go di komisa sukiri. O boletse gore go dira jaana ke leano le a nang nalo fela la go sireletsa dikoko tsa gagwe mo malwetseng a a ka tlhagogang nako nngwe le nngwe. Mme Moraedi a re o latlhegetswe ke dikoko di le pedi fela ka ntlha ya bolwetse jo. Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa tatlhegelo e e tsile go ama go ata ga dikoko tsa gagwe. A re dikoko tse pedi tse di suleng ke mekoko e a neng a beile thata mo go yone mo go thuseng go ata ga dikoko tsa gagwe. O boletse gore go setse tse dinamagadi fela mme o santse a ipotsa gore o tlaa di bonela kae mokoko o o tlaa di kotang gore di ate. E re dikgang di eme jalo mogolwane go tswa kwa ofising ya lephata la botsogo ja leruo kwa Mahalapye Rre Tichaona Aaron a re ga ba ise ba kgone go dira dipatisiso ka bolwetse jo. A re mo nakong e khutshwane e e tlang ba tlaa tsaya koko nngwe e e tsenweng ke bolwetse jo go ya go dira ditlhatlhobo. Rre Aaron a re e tlaa re morago ke gone ba itsese setshaba gore bolwetse jo bo tseneng dikoko tsa bone bo bidiwa mang, bo bakiwa ke eng le gore bo ka thibelwa kgotsa ba alafiwa jang. environment 5 Bobirwa o ipaakanyetsa ditshupo Modulasetilo wa komiti e e baakanyetsang ditshupo tsa Bobirwa, Rre Monkemedi Dingalo a re ditshupo tsa kgaolo eo, tse di tlaa bulwang semmuso ke mogolwane wa moepo wa BCL, Rre Morsco Mosienyane di tlaa ketekwa go simolola kgwedi eno e le 25 go ya go 27. E rile a bua mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA, Rre Dingalo a supa fa ba bone go le botlhokwa go gakolola setshaba go ipaakanyetsa go tsisa disupiwa tsa bone le go tla go bona tse ba bangwe ba tlang ka tsone. Rre Dingalo o supile fa ba tlaa bo ba na le MVA ba e tlaa reng ka di 26 ba kopane le ba-na-le seabe mo ditshupong le dikgosi go ba neela molaetsa go o gasa mo morafeng wa Babirwa. O tsweletse a re ka letsatsi la ditshupo go tla a bo go tsenwa P10 bagolo fa bana e le P5, ditlhwatlhwa tsa metlaagana ya dijo tsone ke P60, tsa barekisi ba kapari le tse dingwe ke P150 fa maphata a puso le a ikemetseng one e le P3000. O tsweletse a re masaka a leruo a duelelwa P50, fa ba ba tsisang mefuta ya mebutla, dikoko le dikgaka bone ba tlaa lopiwa P5 fela. A re ka di 25 go tlaa bo go na le mmabontle kwa holong ya setshaba mme go tlaa tsenwa P20 fela. O boletse fa motshwarelela tona wa ofisi ya ga Tautona le bodirela puso, Rre Shaw Kgathi le matona a mangwe a puso a tlaa bo a le teng ka letsatsi la ditshupo. Rre Dingalo a re letsatsi le a go natefisiwa ka moopelo wa dikhwaere le mmino wa setso mme a rotloetsa setshaba go tla ka bontsi go tsholetsa serodumo sa Babirwa le go tsisa disupiwa tsa temo ka pula e nnile e e namagadi mo ngwageng o o fetileng wa temo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Kgathi o aba ditlhare Mopalamente wa Bobonong, Rre Shaw Kgathi, o abetse dikgotla tsa Dandane, Serumola le Sekoba kwa Bobonong ditlhare tsa meriti ka bosheng. Fa a bua kwa tirong ya go aba le go lema ditlhare kwa dikgotleng tseo, Rre Kgathi a re o dirile seo a tsibogela tsholofetso e a neng a e dira ya go lema ditlhare mo mafelong ao ka go bo a sena meriti, ka jalo batho ba sokola ka nako ya diphuthego tsa kgotla. A re o setse a dirile jalo kwa kgotleng ya Moshashambe, a supa fa go lema ditlhare go le botlhokwa ka e le tsela nngwe ya go baakanya loapi le le setseng le kgotlelesegile, mme a kopa banni ba Bobirwa go lema ditlhare mo malwapeng, bogolo jang ka kgaolo e e tshabelelwa ke leuba. O gwetlhile banni ba dikgotla tseo, bogolo jang bana ba ba berekelang kwa ntle go emela dikgotla tsa bone ka dinao go di tlhabolola ka go di agela maobo gore go nne le meriti, segolo ka bagodi ba amogelela mo dikgotleng tse. Rre Kgathi, yo gape a leng tona wa itshireletso, molao le thokgamo, o ne a abela dikgotla tse ditilo di le masome mararo. Kgotla ngwe le ngwe e filwe di le some. Rre Kgathi o kopile banni go amogela 2016 e le ngwaga wa kutlwano, tirisano mmogo, lorato le go bereka ka bonatla gore lefatshe leno le tswelele pele. Dikgosana tsa dikgotla tseo, borre Kgosietsile Agosi wa Dandane, Onketletse Serumola wa Serumola le Basuti Masilo ba amogetse dimpho tseo mme ba supa fa ba tlaa di tlhokomela. environment 5 Lephata la dikgwa le ipaakanyeditse melelo ya naga Mothusa mookamedi wa lephata la dikgwa le dibapalwa nageng, Rre Joshua Moloi a re ba ipaakanyeditse paka le kgonagalo ya melelo ya naga mono ngwaga. Rre Moloi a re paka ya go segwa ga bojang e simolotse kaLaboraro go fitlhelela Phalane a tlhola malatsi a le lesome le boroba bongwe. O boletse fa ile go lekodisa setshaba ka go segwa ga bojang gore melelo ya naga e tsweletse ka go jwajwaila naga mme selo se se bakwa ke selekanyo sa dipula tse di neleng ka gore fa dipula di le dintsi, le se se ka shang se nna sentsi. A re majang le ditlhare di a bo di tlhogile e bile fa mariga a tsena di a omelela mme di oketse kgonagalo ya gore di she. Rre Moloi a re melelo e farologana ka botona gape e laolwa ke diphetogo tse di diragalang mo loaping tse e leng gore di ka rotloetsa gore melelo e ka nna jang mono ngwaga. O tlhalositse gore melelo mo Botswana e bakiwa ke dilo tsa tlholego jaaka tladi le batho ba ba dirang molelo ka bomo kana ka maikaelelo mme gongwe o ba tswe diatleng. A re dipatlisiso di supa gore mo Botswana gantsi melelo e dirwa ke batho ka jalo o tsibositse setshaba gore ba nne kelotlhoko. A re ba ipapanne ka methale e e farologaneng gore ba leke go lwantsha melelo le kgonagalo ya yone. O tlhalositse gore ba nnile le bokopano le boeteledipele jwa lefatshe, batsaya karolo go tswa khutlong tsotlhe tsa Botswana mme ba lekodisana ka seemo se, le gone go lebelela dipaakanyo gore a ba na le didirisiwa tsotlhe tse di tlhokegang go lwantsha molelo fa o ka tlhagoga. O ne gape a re ba setse ba simolotse go dira dikganela molelo le go isa bodiredi kwa dikgaolong tse di tshabelelwang ke molelo go ela seemo tlhoko. Rre Moloi le ba lephata la gagwe ba abetse baithaopi dilwana tse di ba sireletsang fa ba lwantsha melelo, a tlhalosa gape gore ba tsweletse ka go ba rutuntsha gore ba ka tima melelo jang. Rre Moloi a re gape ba na le boranyane jo e leng moalo o ba o dirisang go itse tota gore melelo e fa kae gore ba romele batho le kitsiso nako e sale teng. Fa a lekodisa ka go segwa ga bojang, o ne a re ba tsweletse ka go fa diteseletso tsa go sega bojang e le seelo sa go itse gore batho ba ba segang ba kae, ba sega selekanyo se se kae e bile ba ipaakantse go le kae go sireletsa tikologo fa go ka tlhagoga molelo. A re gape ba bolotsa letsholo gore mongwe le mongwe yo o tlaa bong a batla go sega bojang o tshwanetse a ikopanye le bodiredi jwa lephata kwa dikgaolong tse ba tlaa bong ba batla go sega teng gore ba kgone go fiwa diteseletso. A re molawana o o laolang go sega bojang o tlhalosa gore fa motho a sega dingatana tse di fetang makgolo a fera bobedi kgotsa 800kg ba tlamega go dira teseletso. O feditse ka go re Batswana ba tlhokomele bojang ka ba itshetsa ka jone. BOKHUTLO society 9 Mogare o ka fenngwa Mothusa tona wa merero ya ofisi ya ga tautona le bodirelapuso Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri a re fa Batswana ba ka tshwaragana le mmuso go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV, maikaelelo a go nyeletsa mogare oo le bolwetse jwa AIDS ka ngwaga wa 2016 a ka fitlhelelwa. Rre Matlhabaphiri o buile jalo kwa phuthegong ya kgotla bosheng, e a neng a e buisa kwa Shakwe go lekodisa banni ba motse oo ka ditirelo tsa lephata la gagwe gammogo le go ba tlanyatlanyetsa ka mananeo a puso e thusang Batswana ka one go tokafatsa matshelo a bone. A re ere ka lefatshe la Botswana lene la apeswa ke seru sa kanamo ya mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS mo dingwageng tse di fetileng, e bile Batswana ba ne ba ganyaolega ka dipalo tse dintsi, ke sone se tautona wa pele Dr Festus Mogae le mmuso wa gagwe ba neng ba simolodisa lekgotla la NACA go itebaganya le go lwantsha mogare oo, ka go rotloetsa batho go dirisa dikausu le go nwa dipilisi tsa diritibatsi go hema dintsho. Rre Matlhabaphiri o kopile banni ba Shakwe le Batswana ka kakaretso go thusana le mmuso go lwantsha seemo seo, ka go amogela dikgakololo tsa badiri ba lephata la botsogo ditshwana le go dirisa dikausu, go nwa ka nako dipilisi tse di ritibatsang mogare, go emisa go tlhakanela dikobo le batho ba ba farologaneng le go fokotsa go itontela dino. Mothusa tona o tsweletse ka go kgothatsa setshaba sa lefatshe leno go rotloetsa banana go tsenelela lenaneo la go rupisiwa ga bana ba basimane ka go kgaolwa letlalo la bonna, ele tsela nngwe ya go ba sireletsa mo go tsenweng ke malwetse a tlhakanelo dikobo. Rre Matlhabaphiri o tlhalositse fa lephata la gagwe le neetswe boikarabelo jwa go tlhokomela bana-le-bogole ba ba ka sekang ba kgona go itirela sepe mo botshelong le go thusa bao ba ba nnang le bana-le-bogole ka dithuso ditshwana le dijo, diaparo le bonno, ele tsela nngwe ya go neela batho ba go nna jalo seriti sa gore le bone ba kgone go akola meamuso ya lefatshe leno jaaka Batswana ba bangwe. Mabapi le dikgang tse dingwe, o boletse fa mmuso o dumelane go abela kgaolo nngwe le nngwe ya botlhophi, mo go tse di masome a matlhano le bosupa P 2 million, go thusa batho bale makgolo a mabedi mo kgaolong nngwe le nngwe go lwantsha le go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo ka go ba rekela dihutshane; dikoko; go ba rekela ditante tse di hirisiwang mo manyalong le go ba lemela merogo mo digotlong. O akgoletse batho ba metse ya Makwate, Dovedale le Shakwe mo kgaolong ya Mahalapye Botlhaba go tsena ka mmetela mo lenaneong la nyeletso lehuma, mme a bolela fa a tshwenngwa ke badirelapuso bangwe ba ba sa ntseng ba goga dinao go thusa batho ba ba ikopelang mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone. E rile banni ba Shakwe ba akgela mo phuthegong eo, ba kopa mothusa tona go ba isetsa malebo kwa go tautona Lt General Seretse Khama Ian Khama mabapi le ditlhabololo tse di dirilweng mo motseng wa bone, jaaka kgokelo ya motlakase le ditiro tse dingwe tse di dirilweng ka lenaneo la Ipelegeng, eleng matlo a boroko jwa barutabana le terata e kgaoganyang masimo le mafudiso. Ba boleletse mothusa tona gore le fa ba itumelela ditlhabololo tseo, ba ngongoregisiwa ke letlhoko la dikoloi mo kgotleng ya motse oo le mo kokelwaneng gammogo le tlhaelo ya baoki, letlhoko la motlakase mo sekoleng se se botlana le mo kokelwaneng ntswa motse wa Shakwe o na le motlakase. Ba re letlhoko la motlakase mo sekoleng le mo kokelwaneng le kgoreletsa baithuti go dirisa dibalamakgolo fa kwa kokelwaneng go pateletsa baoki go dirisa dikerese go thusa balwetse fa gole bosigo. E rile Rre Matlhabaphiri a tsibogela dingongora tsa bone, a tlhalosa fa mmuso o letleletse maphata a puso go isa dikoloi tsa bone kwa madirelong a ikemetseng ka nosi boemong jwa go di isa kwa lephateng le le ntseng le baakanya dikoloi tsa puso la CTO. Bokhutlo health 6 Ba Radisele ba tlhophile dikgosi Banni ba Radisele mo kgaolong ya Legare ba dumalane go tlhopha Rre Phillimon Motswasele go nna kgosi ya bone fa Rre Gomolemo Baoliki go nna mothusa kgosi. Morafe wa Radisele o tlhophile batho bao ka bobedi mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke bagolo ba motse magosana a motse. Le ntswa batho bangwe ba ne ba leka go kgoreletsa ditlhopho tseo ka go tsosa medumo ntateng ya go gogela kobo ntlheng ya bone, ba sepodisi sa Radisele ba ne ba bepisa seemo go fitlhelela go tshwarwa ditlhopho tse mo go tsone, Rre Motswasele a tlhophilweng ke batho ba le 234 fa Rre Baoliki a tlhophilwe ke batho ba le 77. E rile borre Motshanana le Kgaoganang ba ema morafe ka lefoko pele ga phuthego, ba kopa ba-tsaya karolo mo phuthegong eo go itshwara sentle le go dirisa mafoko a a ka sekang a kgobera ba bangwe maikutlo gore tiro e tsamae ka botswerere. Fa e sale Rre Kakanyo Botoka a ithola bogosi jwa motse oo ngogola go ya go batla mafulo a matalana fa Rre Mokeresete Ntebele ene a ithotse tiro ka bogodi, banni ba Radisele ba ntse ba se na dikgosi mo e bileng ba ne ba bona dithuso kwa Palapye le Mogome. Le fa batho bangwe ba ne ba eleditse go tlhopha mokhanselara wa pele wa kgaolwana eo, Rre Michael Motshedi, morafe o ne wa ganana le keletso eo ka jaana ba re Rre Motshedi o ne a kopa gore leina la gagwe le sutlhwe mo maineng a a neng a tlhophilwe go emela bogosi ngogola. Kgosana wa Mmapetlwana Rre Thuto o tlhomamiseditse batho kwa phuthegong eo gore maina a batho ba babedi bao, a tlaa romelwa kwa Palapye kwa e tlaa reng a goroga teng a fetisetswe kwa Serowe go ya go sekasekwa. BOKHUTLO society 9 A go a ila o sule? Dkgosi dingwe mo kgaolong ya Kweneng di ntshitse matshwenyego ka go sa tlotleng meila ya ngwao. Fa ba bua mo potsolotsong bosheng, ba tlhalositse fa mo nakong ya gompieno batho ba sa ikaega thata ka ngwao le meila ya bone. Mothusa Kgosi kwa Gabane, Rre Sello Pule o boletse fa mo Setswaneng go na le meila ee salwang morago mo losong kgotsa fa motho a tlhokafaletswe ke molekane. O kaile gore ka ngwao ya Selete, motho yo tlhokafaletsweng o lemogwa ka kapari ee faphegileng. A re seo se itsege jaaka go roula mme e le go ilela mme kgotsa rre yo motho a neng a le mo lenyalong le ene. O tsweletse a re mme yoo tlhokafaletsweng ke rre o apara bontsho go tswa kwa setlhakong go felela kwa tlhogong. A re rre ene o nna fela a rwele mo tlhogong le fa a tsena mo lefelong le go sa rwalweng, ene o tlaa lemogwa ka go rwala. O boletse fa kapari eo, e direlwa gore motho a lemogwe ke batho ka jalo ba mo thuse fa go tlhokega ka jaana fa motho a le mo seemong seo a sa dire tiro nngwe le nngwe. Mothusa Kgosi Pule o nankotse gore motho yoo swetsweng ga a tshwanela go tsaya sepe ka letsogo a supa fa seo ele moila. A re gompieno batho ga ba tseye meila le ngwao tsia jaaka go apara bontsho fa ba swetswe. O ne gape a supa matshwenyego ka banana a bolela fa go le gantsi e le bone ba sa tseyeng ngwao le meila tsia. A re fa motho a tlhokafaletswe a bo a sa sale tsamaiso eo morago go na le ditlamorago mo botshelong jwa gagwe. Fa a akgela ka kgang eo,kgosi ya motse wa Gakuto mo kgaolong ya Kweneng Botlhaba, Rre Abdul Letlamma a re go botlhokwa go sala meila morago fa motho a tlhokafaletswe. A re seo ke go iletsa ditlamorago jaaka dibetso tsa tlholego tse di akaretsang dipula tse di sa neng sentle le pula ya sefako se sentsi. O tlhalositse gore mo ngwaong ya Sekwena motho wa mme yo swetsweng o apara kapari e ntsho sebaka sa ngwaga. O supile fa mo malatsing a gompieno batho ba beile thata mo tumelong. A re bangwe ga ba dire ngwao ya go roula le fa e le go beola moriri fa ba tlhokafaletswe,a tlatsa ka gore seo ke ka ntlha ya diphetogo tsa sesha gammogo le tumelo tsa dikereke. Go ya ka mothusa kgosi kwa Gabane Rre Pule le Kgosi ya Gakuto Kgosi Letlamma, matshwenyego ke gore seriti sa ngwao se a nyelela ka bonya, ka jalo ba supa fa go le botlhokwa gore Batswana ba obamele tsamaiso kgotsa meila ya Setswana. arts_culture_entertainment_and_media 0 Mapodisi a Palapye a tlhotlhomisa dintsho Mapodisi a Palapye tlhotlhomisa ditiragalo tse pedi tse mo go tsone borre ba le babedi ba ileng a latlhegelwa ke matshelo ka mafelo a beke kwa Palapye le Dikabeya. Mookamela mapodisi a seng a seaparo Rre Zachariah Babusi a re mo tiragalong e nngwe rre wa dingwaga tse di masome mabedi le bone o ile a latlhegelwa ke botshelo morago ga go tlhabiwa ka sengwe se se bogale. A re le fa ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse, go supagetse fa rre yoo a ile a tlhabiwa ka selo se se bogale morago ga go tlhoka kutlwisisanyo le yo mongwe ko marekisetsong a bojalwa ko masimong a Dikabeya gaufi le Palapye. Mapodisi a tshegeditse borre ba le babedi ba dingwaga tse di lesome le bosupa le masome mabedi le boferabongwe go ba thusa mo ditlhotlhomisong. Mo tiragalong e nngwe, Rre Babusi a re rre wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe o ile a tlhokafala morago ga go tlhabiwa ka selo se se bogale ke tsala ya gagwe. Rre Babusi a re borre bao ba ne ba bereka mmogo ebile e le ditsala. A re borre bao ba ile ba tlhoka kutlwisisanyo mme yo mongwe a felela a latlhegetswe ke botshelo morago ga go tlhabiwa ka selo se se bogale. A re tiragalo e e diragetse mo palapye. Mmelaelwa yo o dingwaga tse di masome mabedi le bone o santse a tshegeditswe ke mapodisi, fa moswi ene a santse a le ko setsidifatsing ko kokelong ya Palapye. Rre Babusi a re ele ba sepodisi ba tshwenyegile thata ka borukutlhi mo motseng wa Palapye le ee mabapi. A re ke tiragalo ya boraro ya polao go diragala mo kgweding e le nngwe, morago ga gore go belaesege fa ngwana wa sekolo a ile a tlhokafala morago ga gore a tlhabiwe ke yo mongwe ka selo se se bogale ko motseng wa Lecheng bosheng. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Mapodisi a batla mmangwana Mapodisi a Dukwi a kopa setshaba go ba thusa go batla mmaagwe ngwana yo o fitlhetsweng a phuagantswe fa setlhareng sengwe kwa Dukwi. Go ya ka mogolwane a mapodisi a Dukwi,Superintendent Goitsemang Mokgatle, lesea leo le bonwe phakela wa Labone (Motsheganong 14) le phuthetswe ka dikobo. Supt Mokgatle a re lesea leo le dikgwedi tse pedi mme go lebega fa mmalone a ne a le apeesa dilwana a ba a mo phutla ka kobo a mo robatsa fa tlase ga setlhare a bo a mo tlogela bosigo jwa Laboraro. O boletse fa lesea leo le le kwa kokelong ya Nyangabgwe kwa le beelweng teng go santse go batlwa mmaalone. O ne a kopa batho go loma mapodisi tsebe fa ba itse mongwe yo o neng a na le ngwana mme a sa tlhole a bonala a na naye mo nako ya gompieno. crime_law_and_justice 1 Batswana ba rotloediwa go emela botsogo ka dinao Mme Itumeleng Thusego-Seabe, yo o okametseng dithuto tse di itebagantseng le banana kwa ofising ya thuto kwa kgaolong potlana ya Palapye a re go tsoga sentle ga motho go akaretsa dikarolo di le dintsi mme motho o tshwanetse go di ela tlhoko nako tsotlhe. O ne a bua jalo kwa letsatsing la itshidilo mmele kwa sekoleng se segolwane sa Moeng College bosheng. Mme Thusego-Seabe a re go tsoga ga motho mo moweng ke nngwe ya tse di supang gore motho o a bo a tsogile sentle. A re fa motho a sa tsoga mo moweng ga a kake a dira ditiro tsa gagwe sentle. A re motho o tshwanetse go itshidile mmele nako tsotlhe gore a nne le botsogo jo bo nametsang. A re go itshidila mmele ga go ree gore motho a golafatse mmele mme motho o tshwanetse a tsee itshidilo mmele ka bonya ka bonya go fitlhelela a kgona go tsena mo itshidilo mmeleng e e bokete. A re go na le bangwe ba ba simololang itshidilo ya mmele ka go dira tse di bokete a bolela fa ba felela ba ikgolafatsa. Mme Thusego-Seabe a re ntlha e nngwe e e botlhokwa ya botsogo jwa motho ke ka fa motho a dirisanyang le ba bangwe ka teng. A re batho fa ba tshela mmogo ba tshwanetse go tshedisanya le ba bangwe sentle gore banne le botsogo jo bo rileng. A re gore motho gotwe o itekanetse o tshwanetse gape a tshele mo tikologong e e siameng ebile e le phepa. A re fa tikologo e se phepa motho o a bo a sa itekanela ebile seo se ka mo kgoreletsa kwa tirong ya gagwe. Mme Thusego-Seabe o ne a rotloetsa barutabana ba sekole sa Moeng go itlwaetsa go bala gore ba nne le dikitso tse dingwe mme ba seka ba felela fela mo dithutong tse ba di rutang mme ba itlhabolole a bolela fa seo e tla a bo e le ntlha nngwe e e ba thusang go nna le botsogo jo bo itekanetseng. A re botsogo e tshwanetse e nne ka fa motho a tshelang ka teng nako le nako mme ga e a tshwanela go nna letsatsi le le lengwe fela. Mooki wa Moeng Colleg, Mme Bontshetse Wankie, a re motho mongwe le mongwe o eletsa botsogo jo bo siameng ka jalo sekole sa Moeng College se rotloetsa seo. A re lephata la botsogo le rotloetsa batho go ela tlhoko gore ba nna ba itekanetse ebile ba fema go tsenwa ke malwetsi a a tshelanwang le a a sa tshelanweng. Mme Wankie a re sekole sa gagwe se tshwara letsatsi la itshidilo mmele go nna ba tsibosa badiri ka tsa botsogo le boitekanelo. A re keletso ya ba lephata la botsogo le boitekanelo ke go fokotsa palo e e yang kwa dipatela le tiriso ya dipilisi mme mongwe le mongwe a itekanele. A re puso e tshwenngwa ke dipalo tse dintsi tsa malwetsi a a sa tshelanweng a tshwana le jwa sukiri, madi a matona, kankere le a mangwe a bolela fa malwetsi ao a dirisa madi a mantsi thata mme go babalela puso. health 6 Kgosi o tshwenngwa ke ditiro tse di bosula Mothusa Kgosi wa Batlokwa, Kgosi Michael Gaborone o boletse fa a sa jesiwe diwelang ke dingwe tsa ditiro tse di diragalang mo motseng wa gagwe di akaretsa bogodu jwa leruo le motlhaba le go rekisa ditsha. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla ya Botshabelo bosheng, Kgosi Gaborone a re bogodu jwa leruo bo bakwa ke bangwe ba banni ga mmogo le batswakwa, a bolela fa mo mabakeng a le mantsi magodu a leruo a utswela go rekisa, mme ba boe ba utswele bone gape ba ba ba rekiseditseng. O ne a tlhalosa fa a tshwenngwa gape ke bogodu jwa motlhaba jo bo diragalang bosigo, a kaya fa bo golela pele, e bile bo senya motse ka go sala go le dikhutikhuti. Kgosi Gaborone o ne gape a kgala a sa kgwe mathe mokgwa o o tsweletseng wa go rekisa ditsha, masimo le mekgoro ga Batlokwa, a re se ke go rekisa mabitla a batsadi ba bone. A re gape Batlokwa bangwe ba ngatha digotlo tsa bone go di rekisa, a re se se felela se tsala dikgotlhang, a tlhalosa fa go le botlhokwa go somarela lefatshe ka jaana go ka thusa go tila go tlhoka bonno. Kgosi Gaborone o ne a kopa Batlokwa go ema ka dinao, go thusana le ba bogosi go kgala ditiragalo tse di bosula tse di diragalang kwa Tlokweng. O ne a bolela fa masula a, a ba gwetlhile go bitsa phuthego e tona Mopitlo a tlhola malatsi a roba bongwe kwa kgotleng kgolo ya Batlokwa, e e tlaa itebaganyang le go lwantsha seemo sepe fela se se duleng mo taolong mo motseng. O ne a tlhalosa fa phuthego eo e tlaa tsenwa ke morafe le dikereke. E rile ba mo kgwa dikgaba, banni ba kgotla ya Botshabelo ba supa fa ba dumalana le ene gore ba tshwanetse go emela diemo tse ka dinao. Ba ne ba kopa Kgosi Gaborone go potlakela kopo ya bone ya go ba batlela kgosana ka jaana go se na yo o reetsang matshwenyego a bone. Banni ba ne ba ntsha matshwenyego a tshwana le a dikereke tse di lalang di tsositse medumo bosigo, ba re se se kgoreletsa le bana ba sekole. crime_law_and_justice 1 Selelo sa barui ba Nhabe se tlaa arajwa Mogolwane wa matlhabelo a BMC kwa Maun, Rre Oabona Ramotshwara a re selelo sa barui sa dituelo tse ba di bonang morago ga nako e e dumalanweng se tlaa arajwa mo nakong e e sa fediseng pelo. Barui ba ntse ba lela ka dituelo tse di tlang morago e seng dibeke tse pedi jaaka e le tumalano le matlhabelo fa ba tsaya dikgomo mo go bone, selo se ba reng se ne se setse se baka kgotlhang gareng ga bobedi. Rre Ramotshwara o tlhaloseditse “Puso e re solofeditse madi mo nakong e khutshwane mme re dumela gore se, se a go rarabolola mathata a dituelo tse di saletseng kwa morago,” Rre Ramotshwara a tlhalosa. A re ba dumela gore barui ke ba-na-le seabe ba tlhwatlhwa, mme ba leka ka bojotlhe go ba itumedisa ka dinako tsotlhe gore go nne le tirisano mmogo gareng ga bone le BMC. A re ba itemogetse mathata a dituelo ka Moranang morago ga go tlhagoga ga bolwetse jwa tlhako le molomo mme se, sa paledisa matlhabelo go nna le dipoelo go duela barui ka nako. A re le fa ba le mo mathateng a madi ba leka bojotlhe go tlhalosetsa barui ka mathata ao a bone, a re ba kwalela dikomoti tsa ditlhabolo le dikgosi, go isa molaetsa kwa baruing. O tlhalositse fa ba leka ka bojotlhe go isa molaetsa kwa setshabeng. “Ga re kake ra kgona go leletsa barui botlhe fa re na le mathata ka gore nako tse dintsi megala ya bone ga e tsene, ka jalo re leka go bua le baeteledipele go gorosa molaetsa wa rona kwa setshabeng,” Rre Ramotshwara a supa O solofeditse barui gore lemme le ba tlaa le bonang ba tlaa thiba fa go kgonegang teng, a supa fa kgang ya ditlhotlhwa tsa dikgomo e le nngwe ya dikgang tse ba di ipeileng pele, mme e tlaa tsibogelwa fa seemo se siama. Morui, Mme Dorcus Kuruuo a re o sale a rekisitse dikgomo ka Morananag mme le gompieno ga a ise a bone madi a gagwe. A re o lemogile fa matlhabelo a na le mathata a madi, ka jalo o kopile puso gore ba nne ba tsibogela kopo ya matlhabelo ka bonako ka gore matshelo a batho ba bantsi segobogolo mo kgaolong ya Nhabe a ikaegile ka kgomo. “Re batla gore re tsewe tsia gore re seka ra okeletsa puso morwalo, ka gore fa re sa duelwe sentle re ka fetoga batlhoki mme seo e nne morwalo mo go goromente,” a tlhalosa. Mme Kuruuo o kopile gore ba matlhabelo ba seka ba emela gore barui ba tle kwa go bone, fa ba nna le mathata a ba ba bolele nako e sale teng gore le bone ba leke ditsela tse dingwe tsa go batla madi. Morui yo mongwe go tswa kwa polaseng ya Solabompe, Rre Domi Kandu a re le ene o rekisitse dikgomo ka Moranang, nako kgolo ke enoo.Bokhutlo society 9 Puso e itlamile go thusa balemi-barui Mothusa tona wa temo -thuo e bile e le mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Kgotla Autlwetse, o boleletse banni ba kgotla ya Maaloswana gore puso e leka ka bojotlhe go thusa Batswana ka mananeo a a ka nyeletsang lehuma. Rre Autlwetse o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Serowe bosheng. O tlhalositse gore e rile ka ngwaga wa 2014 le ngwaga ono, ga nna le balemi-barui bangwe ba ba adimileng madi mo maphateng a a farologanyeng jaaka CEDA, go ya go lema gammogo le go rua mme ba palelwa ke go busa madi a ba a adimileng ka go tlhoka go boelwa. Puso e ne ya tsaya tswetsho gore e thuse balemi-barui botlhe ba ba adimileng madi, ka 85%, fa bone ba tlaa duela 15% fela. O ne a tlhalosa gore matlhabelo a dikgomo kwa Lobatse a ntse a phutlhame, e ne e re fa batho ba isa dikgomo tsa bone ko matlhabelong, BMC e ne e kolota dikgomo tsa bone, mme ba tsaya lobaka ba sa duele barui, mme seemo se, puso e ne ya tshwanelwa ke go se emisa, ka go ntsha madi a didikadike tse di makgolo mararo (P300m) gore e seka ya tswalwa. Tona Autlwetse o ne a re matlhabelo a, a thusa lefatshe la Botswana fela thata. O ne a re lekgetho la diterekere le ne la emesiwa ka bontsi bo ne bo sena madi, mo go neng ga bakwa ke thobo e e kwa tlase. A re le lekgetho la borotho le mashi le ne la fokodiwa, go tswa ko go 15 per cent go ya ko 4 per cent. Mo dikakgelong bangwe ba banni ba Maaloswana ba ne ba lela ka leswe le lentsi le le mo dikgotleng tsa bone ba tlhalosa fa metseto ya bana e e dirisitsweng e latlhetswe gongwe le gongwe, ba ntsha letshwenyego gape ka dikhondomo tse di dirisitsweng di latlhetswe gongwe le gongwe, selo se se borai mo baneng. Ya re a araba, Rre Motelebane Motelebane go tswa ko khansele, a re khansele e tlaa rurifatsa gore matlakala a a tsewa, a kopa banni go tlhokomela tikologo ya bone. politics 7 Boteti o a ithulaganya Mopalamente wa kgaolo ya Boteti botlhaba Rre Sethomo Lelatisitswe o kopile banni ba kgaolo eo go tsenya letsogo mo mererong yotlhe ya go ipelala boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano. Mopalamente Lelatisitswe o buile jalo kwa moletlong wa maitiso a mmino, o o neng o rulagantswe ke lephata la banana metshameko le ngwao le komiti ya Boteti BOT50 o o neng o tshwerwe ka Matlhatso mo Letlhakane. Mopalamente a re moletlo o ke nngwe ya ditiragalo tse di rulagantsweng e le bontlha bongwe jwa go ipelela boipuso jo bo faphegileng jwa dingwaga tse di masome a matlhano. Rre Lelatisitswe o supile gore maitiso a a mmino a tshwerwe lefatshe leno ka bophara. A tswelela ka gore maitiso a a okile badiragatsi ba mmino ka go farologana ba le masome a mararo le borataro ba ba tswang mo kgaolong yotlhe ya Boteti ka bophara le badiragatsi ba ba natefisang letsatsi ba ba akaretsang Latim,Culture Spears le Molesho. Mogolwane wa lephata la metshameko le ngwao mme Chidza Malapela o boletse gore moletlo o ke o o faphegileng ka jaana ke lantlha o diragala, a tlhalosa fa e tlaa re mo ngwageng o o tlang o bo o ntse o le teng e bile o godile . Mme Malapela o ne gape a tlhalosa gore ba phuthile banana bangwe ba ba thusitsweng ka lenaneo la banana go tla go supa ditiro tsa bone. E rile a leboga, mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Ntebogang Kgosi a re boipuso bo atametse ka jalo a kopa morafe go ema nokeng dithulaganyo tsotlhe tsa jone. Rre Kgosi a re boipuso jwa monongwaga ke jo bo faphegileng ka jalo bo nna le ditiragalo tse dintsi tse di tlhokang seabe se se ko godimo sa mofare. politics 7 Komiti e tlosolosa ditshupo tsa Tsabong Komiti e e baakanyetsang ditshupo tsa temo-thuo tsa Tsabong e tsere tshwetso ya go tlosolosa ditshupo tseo tse di neng di tshwanetse go simolola kgwedi eno e le masome mabedi le bone go fitlha e le masome mabedi le borobabongwe. Fa a rola mafoko ao mo phuthegong e e neng e tsenwe ke badirelapuso ba ba mo dikomiting tsa dipaakanyo, modulasetilo wa ditshupo, Rre James Samson o boletse fa ba tsere tshwetso ya go tlosolosa ditshupo tseo ka gore badirelapuso ba ntse ba goga dinao go tsenya letsogo. O tlhalositse fa mo nakong e go sena le fa e le tsone diruiwa tse di tlaa bong di supiwa mme a re ke ka moo ba tsereng tshwetso ya go tlosolosa tiro eo, a tlatsa ka go re ofisi ya ga molaodi le ya lephata la temo-thuo ke tsone tse di ka bong di ne tsa goga tiro eo kwa pele. Maloko a mangwe a komiti eo a ne a tlatsa Rre Samson gore ditshupo tseo di tlosolosiwe ka ntata ya gore ga di a baakanyediwa sentle. Ba tlhalositse gore ga go tlhabise ditlhong gore e re go sa ipaakanngwa sentle, go tsewe tshwetso e ba e tsereng gore tiro e eme. Ba re le bone batho ba ba neng ba solofetswe go reka ditlankana tsa go supa didirisiwa tsa bone kwa ditshupong tseo ga ba yo, mme e le ba metlaagana ya dijo fela. E ne ya re ba fetsa go bua, komiti eo ya maloko a le lesome ba tlogela bokopano joo bo ise bo fele mme ga sala ba le babedi fela. Fa a tswa la gagwe mo boemong jwa badirelapuso, Rre David Molefhe o ne a tlhalosetsa komiti eo ya ditshupo gore badirelapuso tiro ya bone mo medirong ya mofuta o ke go fa dikgakololo le thuso fa ba e kopiwa. O tlhalositse gore le fa e le ka letsatsi lepe ga a ise a utlwe ope wa maloko a komiti a supa fa badirelapuso ba gana go tsenya letsogo mo tirong eo, mme ka jalo a hakgamadiwa ke mafoko a modulasetilo a gore badirelapuso ga ba tsenye letsogo mo tirong eo. O supile gape gore tshwetso ya mofuta o eka nna ya dira gore barotloetsi ba nne maoto a tshupa mo nakong ee tlang segolo jang ka ebile go tlosolosiwa fela nako e setse e gorogile. Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa lephata la temo-thuo mo Kgalagadi, Rre Bornwell mabechu a re o swabile nko go feta molomo ka kgang yago tlosolosiwa ga ditshupo. A re o hakgamadiwa ke gore bone e le lephata ba dirile gotlhe mo ba tlholang bago dira, go tlhakana le gone go ntsha badiri gore ba nne ba tsenelela bokopano jo. Badirelapuso ba boletse gore bagolo ba motse ba tshwanetse go itse gore ba tsile mo kgaolong go tla go thusa, mme ka jalo ba ba bulele dipelo ba bereke le bone sentle. BOKHUTLO politics 7 Banni ba lebogela dipula E rile bosheng, banni ba toropo ya Selebi Phikwe ba kokoana kwa Annes Park go isa malebo kwa go ramasedi morago ga dipula tse di namagadi. Bontsi bo ne bo tsene tiro ya letsatsi leo go akaretsa mothusa ratoropo ya Selebi Phikwe, Rre Odirile Kelebetse, dikgosi le baruti ba dikereke tse di farologaneng. E rile a ema morafe ka lefoko, Rre Shadreck Selelo yo eleng mothusa mokwaledi wa toropo ya Selebi Phikwe a re ka tshwanelo fa motho a ne a kopile sengwe mogo yo mongwe kana mo Modimong, fa a atlegile o tshwanetse go isa malebo kwa go ene. A re ke sone se se dirileng gore ba khansele ya Selebi Phikwe ba tshware tiro ya go lebogela ramasedi dipula tse di namagadi tse ba di boneng. Molalediwa wa letsatsi, Kgosi Kutlwano Matenge a re, go supagetse fa banni ba toropo ya Selebi- Phikwe ba tsere nako go ipaakanyetsa letsatsi leo. A re, mekgabisa ya dijo tsa setswana tse di tswang kwa masimo ka go farologana di supa fa lefatshe le bone letlhafula le le nametsang. Kgosi Kutlwano a re, o leboga banni ba toropo eo ka ba bone go le botlhokwa go isa malebogo kwa go ramasedi ka le bone ba ne ba nna le sebaka sa go rapelela pula ngogola morago ga gore Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama a ntshe boikuelo mo setshabeng gore go rapelelwe pula ka gonne lefatshe le ne le omeletse, leruo le swa le matamo a kgadile. Kgosi Kutlwano a re, ga go na gope kwa pula e sa nang teng, le yo eleng gore o ne a sa baya tema, e ne e le ka go rata ga gagwe, e se gore pula ga e yo. O kopile morafe o o neng o tsene tiro eo go tlhokomela dijwalo tse ba di boneng mo temong. O ba kgothaditse gore ba ikopanye le ba Botswana Marketing Board go rekisa thobo ya bone gore e tle e ba tswele mosola, ba kgone go tsenya bana dikole , go aga bonno jo bo eletsegang le gone go abela ba ba senang bokgoni jwa go itirela. O kopile morafe go ya go lemolola masimo a bone, gore ere nako ya temo e e tlang, ba kgone go bona thobo e e botoka. Kgosi Kutlwano o ne a phophotha barulaganyi ba letsatsi leo legetla, a re ba dirile tiro e e eletsegang mo setshabeng. Modulasetilo wa Village Development Committee tse di kopaneng mo Selebi-Phikwe Rre Mmopiemang Basebi, a re, fa mohama wa temo o dira sentle lefatshe le ka kgona go reka dijo mo Batswaneng gona le go di reka kwa mafatsheng a sele. O tsweletse a re, dijo tse di lengwang mo Botswana di siametse botsogo ka di a bo di sa dirwa ka boranyane bope, a tlatsa ka gore ba tshwanetse go leboga Modimo ka o arabile selelo sa bone ka go nesa dipula. Kgosi ya Botshabelo Mme Olebogeng Mojuta o rotloeditse bomme go somarela ngwao ka nako tsotlhe. A re, motho wa mme o tshwanetse go bonwa ka mosese wa setswana fa go nale ditiro tsa Setswana. O lebogile baruti, makhanselara, mokwaledi wa khansele Rre Shadreck Selelo, a tlhalosa fa tsela e ba e tsamaileng e ne e se motlhofo e bile a lebogela tirisano mmogo e e nnileng teng mo gare ga bone. O ba kgothaditse go tshwara ka thata le mo nakong e e tlang. Modula setilo wa Wellness Rre Oboikanngo Kuti o rotloeditse morafe go itshidila mmele ka nako tsotlhe, go ja dijo tsa Setswana le gone go itlhatlhobela malwetse a a farologanyeng. Bokhutlo society 9 Boineelo bo tsala phenyo E ne ya re ka ngwaga wa 2008 puso ya tla ka lenaneo la mapodisi a setlhotshwana maikaelelo e le go tiisa go lwantsha borukutlhi mme motse wa Motokwe mo kgaolong potlana ya Letlhakeng le one wa amogela lenaneo le. Le fa go ntse jalo, e ne ya re dingwaga di ntse di tsamaya lenaneo le la latlhegelwa ke maloko a le mmalwa ka go ne go sena dituelo mme Rre Ngongorego Kgalaeng le Mme Magdeline Kelebeng bone ba ne ba seka ba boela morago ka ba ne ba tshwara ka thata go fitlhelela gompieno. E rile ba bua mo potsolotsong bosheng, ba kaya fa ba ne ba direla motse wa bone ka natla le botswapelo mme ba felela ba ikgapela dietsele kwa moletlong wa sepodisi o o tshwarwang ngwaga le ngwaga go leboga le go tiisa moko mapodisi a a tshwereng ka natla go tswelela ba tshwere ka thata. Ka boineelo le go tshwara ka natla di tsala katlego le phenyo, e ne ya re ngogola Mme Kelebeng a ikgapela seetsele sa go dirisana sentle le maphata ka go farologana le gone go bo a tshwere ka botswapelo mo tirong ya gagwe. Monongwaga a ipoeletsa gape ka go ikgapela seetsele kwa moletlong wa kabo dimpho o o neng o tshwerwe bosheng kwa toropong ya Selebi Phikwe mme a patilwe ke modiri ka ene Rre Kgalaeng. Badiri ba, ba supile fa tiro ya go ithaopa mo sepodising e le botlhokwa fela thata e bile e ba tlodisitse dinokana di tletse ka ba kgona go tlamela malwapa a bone le gone go tsenya bana dikole. Ba supile fa e se tiro e e motlhofo go boithaopo mme e tlhoka motho yo o boineelo gape a itlamile go lwela lefatshe kana motse wa gagwe ka go bona gore morafe wa gagwe o babalesegile. E re ka tiro nngwe le nngwe e na le dikgwetlho, ba supile fa ba na le letlhoko la koloi ka ditiragalo dingwe tsa borukutlhi di diragalela kwa merakeng e e kgakala le bone mme e re ba goroga ba fitlhele batho ba latlhile bosupi kgotsa badiramolato ba setse a siile. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Basha ba anya thuto Bagolo ba maloba ba ne ba rata ngwao e bile ba tlhomamisa gore e a somarelwa ka jaana e ne e le yone pinagare ya botshelo. Ba ne ba itse fa ngwao e na le bokao ga mmogo le meila le maele ka jaana e ne e re fa sengwe se se sa tlwaelesegang se diragala, ba bo ba itse gore se ka tswa se bakwa ke eng le gone gore seemo se ka rarabololwa jang. Mongwe wa bagolo mo Goo-Tawana, Mme Tuduetso Segosebe o ne a seka a ipona tsapa go tlhatlhelela banana bangwe ba ba neng ba kgobokantswe ke ba mokgatlho wa Thari-E-Ntsho Story Tellers o o itebagantseng le go ruta banana ka tsa ngwao, boitshwaro le one maele a ba ka a dirisang go inosa metsi. O ne a ba tlhatlhelela ka se a fitlhetseng se dirwa ke mabutswapelo bogolo jang ka nako tse dithata fa pula e ile lojwa. Mme Segosebe a re e ne e re fa pula e sa ne jaaka go solofetswe, bagolo ba bolele fa nkgodi a tsaletse mo setlhareng sa Mogotlho golo gongwe mme ba leke ka bojotlhe go batla setlhare seo. A re setlhare seo fa se bonwe, se ne se rengwa se bo se tshujwa mme bomme ba BaTawana ba gelele metsi ka dinkgo ba tlhomagane go ya go tima molelo oo. Fa ba dira jalo, o boletse fa ba ne ba opela dikoma jaaka e e reng Morekwa wa Pua wee ba bitsa maina a dikgosi tsotlhe tsa pele jaaka boKgosi Letsholathebe. A re bomme ba ne ba etelelwa pele ke ba ba nyetsweng, a tlatsa ka go re fa ba ya go tima molelo jalo ga ba a tshwanela go gadima kwa morago go fitlhelela ba goroga kwa molelong le fa ba boela gae. Mme Segosebe a re e ne e re morago pula e ne ka masubelele mme go nne boitumelo le kgora. O boletse gape fa ngwaga mongwe kgaolo e ne ya aparelwa ke leuba, mme botsadi bo ne jwa etela kwa dipupung tsa dikgosi go ya go kopa pula mme ya tshologa. A re seo ke sesupo sa gore ba-tla pele ba ne ba dumela mo ngwaong ba tshegetsa le meila ka jaana ba ne ba tlhaloganya botlhokwa jwa yone. Mosimolodi wa mokgatlho wa Thari-E-Ntsho, Mme Bontekane Botumile o ne a supa fa ba bereka thata le banana, a tlhalosa fa maikaelelo e le go ba ruta ngwao. Ends arts_culture_entertainment_and_media 0 Thotloetso boikarabelo jwa botlhe Mongwe le mongwe o na le boikarabelo jwa go rotloetsa Batswana ba ba ikwadiseditseng ditlhopho go ya go tlhopha mo ditlhophong tsa setshaba tsa monongwaga. Se se builwe ke mogolwane wa lekgotla le le tsamaisang ditlhopho kwa Kgalagadi, Rre Richard Senthumoleng, kwa thuto puisanong e e neng e rulagantswe ke lekgotla la BOCONGO bosheng. Rre Senthumoleng a re mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le seabe go tlhomamisa gore thuto e goroga sentle kwa batlhophing. A re le ntswa lekgotla la IEC e le lone le eteletseng pele go ruta setshaba ka botlhokwa jwa go tlhopha, ba-tsaya-karolo botlhe ba tshwanelwa ke go tsaya kgato. O ne a tlhalosetsa batsena thuto puisano eo fa go tlaa dirisiwa dipampiri jaaka tlwaelo. O boletse fa karata ya Omang e e mo tirisong e le yone selotlolo sa go tlhopha mo ditlhopong tsa setshaba. Rre Senthumoleng o ne a tlhalosa gape fa madi a ikwadiso a bontlhopheng ba makhanselara e le P100, fa a a duelwang go emelwa bopalamente one e le P500. A re molao o letla go fudusa leina la motlhophi go ya kwa kgaolwaneng e a eletsang go tlhopha kwa go yone, mme go lebeletswe mabaka. O ne a supa fa tlhopho e le botlhokwa ka e le yone konokono mo go nosetseng puso ya batho ka batho ka go tlhopha phathi ya sepolotiki e ba dumelang gore e ka diragatsa dikeletso tsa bone le gone go isa lefatshe kwa pele. Rre Senthumoleng o ne a gwetlha badiri ba marekisetso go buisana le go rerisana le bahiri ba bone go ba letlelela go ya go tlhopha jaaka e le tshwanelo ya bone. Mongwe wa batsena thuto puisano, Rre Steny Kefaletswe, o ne a kopa gore go thapiwe badirela puso go tsamaisa ditlhopho go na le gore go thapiwe banana ba ba feditseng kwa dikolong ba sa dire gope. Rre Senthumoleng o rurifaditse fa go thapiwa badirelapuso ba ba tshepafalang e bile ba na le boikarabelo le maitemogelo go emelana le diemo tse di ka tlhagang mo tirong e e masisi e. Rre Jerry Moloko, molomaganya ditirelo tsa Botswana Coalition on Education for All (BOCEFA), o ne a tlhalosa fa lekgotla la BOCONGO le dira mmogo le Botswana Society for the Deaf le BOCEFA, mo dingwageng tse pedi, maikaelelo e le go rutuntsha setshaba ka thuto le dikitso tsa puso ya batho ka batho. Rre Moloko o ne a supa fa ba setse ba etetse metse e akaretsa Mathangwane, Maun, Ghanzi le Tsabong mme morago ba tlaa ya kwa Palapye le Gaborone. politics 7 Go belegela mo lwapeng go borai Mooki wa kokelwana ya Mokobeng, Rre Tiroyaone Moshaga, o rotloeditse bomme ba ba itsholofetseng go tsibogela go ya kokelong fa ba le mo ditlhabing tsa pelegi gonne fa ba sa dire jalo ba baya matshelo a bone gammogo le ngwana yo o imilweng mo diphatseng. Fa a bua kwa letsatsing la pitso ya botsogo le le neng le rulagantswe ke badiri ba lephata la botsogo ba kgaolo ya Mahalapye kwa Mokobeng bosheng, Rre Moshaga o tlhalositse fa go le borai gore mme e re a utlwa ditlhabi tsa pelegi a bo a sa di tsibogele. A re fa mme a utlwa ditlhabi tsa pelegi o tshwanelwa ke go iketleeletsa kwa bookelong gore a tle a bone thuso e e lolameng ya ba ba rutetsweng tsa pelegi. Rre Moshaga o boletse fa bomme bangwe ba ba itsholofetseng ba na le go nna fela mo malwapeng ntswa ba simologetswe ke ditlhabi tsa pelegi mme seo se le borai ka mo dinakong tse dingwe go na le gore e re mme a belega, ngwana a bo a sa tswe sentle jaaka go tlwaelesegile mme fa go ntse jalo baoki ba tlaa tsibogela seemo seo jalo botshelo jwa ngwana bo babalelwe go na le fa a belegelwa kwa lwapeng. A re kwa bookelong go na le dithuso tse di lolameng tse ba ba belegang ba ka di bonang ka nako ya pelegi jaaka tikologo e e phepa, dithuso tsa potlako bogolo jang fa mme a tlhoka go tshelwa madi le go sekaseka gore a botsogo jwa ngwana yo o belegweng le mmaagwe bo siame. Rre Moshaga a re go ngomola pelo ka mo nakong eno go santse go na le seemo sa bomme ba ba kgonang go belegela mo malwapeng ntswa dinako di fetogile ka ba ba neng ba itse go belegisa bomme ba sa tlhole ba le teng mo botshelong. A re puso e boloditse letsholo la go fedisa dintsho tsa bomme le masea a bone ka nako ya pelegi mme fa seemo se se ka tswelela maiteko ao a tlaa folotsa. BOKHUTLO health 6 Kwerepe o kgothatsa sekole sa Ngami Mopalamente wa Ngami, yo gape e leng mothusa tona wa lephata la thuto go tswa kwa moding, Rre Thato Kwerepe o kgothaditse baithuti le barutabana go dira ka natla go fetola maduo a sekole sa Ngami a a sa itumediseng. Rre Kwerepe o ne a ile go lekola sekole seo bosheng. O supile fa sekole seo se ntse se bona maduo a a kwa tlase ga masome a matlhano mo lekgolong mo dingwageng tse tharo tse di fetileng, e bile ba wetse tlase ka go bona masome a mabedi le bobedi mo lekgolong mo ngwageng o o fetileng. Rre Kwerepe a re o tlhaloganya fa sekole seo se na le dikgwetlho jaaka go tlhaelelwa ke matlwana a borutelo, matlo a boroko a barutabana le dikago tsa bogologolo tse di onetseng. Le fa go ntse jalo, Rre Kwerepe a re go botlhokwa gore barutabana ba dire bokgoni jwa bone jotlhe gore ba ntshe maduo a a itumedisang, a re maduo ke one lebaka la go nna morutabana. Rre Kwerepe o ne a ba solofetsa fa a tlaa isa matshwenyego a bone kwa pele gore sekole sa bone se nne mo seemong se se siameng. Mogokgo wa sekole seo, Mme Onalethatha Lekelandi o ne a itumelela loeto lwa ga Rre Kwerepe. Le fa go ntse jalo Mme Lekelandi o ne supa fa dikago tsa sekole sa bone di tlhokana le go baakanngwa. A re matlo a borutelo ka bontsi ga a na mabati le matlo a dithuto tsa maranyane ga a mo seemong sa go ka dirisiwa mo ditekong. O ne a tlhalosa fa sekole seo se na le palo e ntsi ya baithuti go feta jaaka se ne se tshwanetse, a tlatsa ka go re barutabana le bone ba patelesega go nna mmogo mo matlong ka lebaka la tlhaelo. Mme Lekelandi a re go na le letlhoko la didirisiwa jaaka ditilo le ditafole. A re barutabana ba bantsi ba ba sale ba ruta koo dingwaga di feta botlhano go ya kwa go lesome le bobedi. Morutabana Mpho Setlhare a re barutabana ba kopa tsela mo sekoleng le dipone tsa motlakase. A re ba kopa gore lebala la motshameko le tlhabololwe ka le ka thusa go rutuntsha le go epolola botswerere jwa bana. Fa a latlhela la gagwe, mogolwane wa thuto mo kgaolong ya Bokone Bophirima, Rre Galesenngwe Mohube o ne a ba tlhomamisetsa fa sekole seo se gorogile mo seemong sa go ka baakanngwa. A re ka jalo o tlaa fetisetsa tse ba di kopileng kwa go ba ba maleba. O ne a ba kgothatsa go tlhopha tse ba di tlhokang thata mo ngwageng ka madi a sa lekane. A re o tlhaloganya fa borutabana e le kgwetlho mme a ba rotloetsa go dira ka thata, a tlatsa ka go re maduo a mantle a tsisa boitumelo mo barutabaneng. A re o tsere kopo ya bone mabapi le baithuti ba ba tswang kwa sekoleng se sebotlana sa Kareng. A re ba ofisi ya thuto mo kgaolong ba tlaa lebelela dipalo tsa bana gore a ba ka seke ba kgaoganngwe le dikole tse dingwe tse dikgolwane, go fokotsa botlhokatsebe jo barutabana ba lelang ka jone. BOKHUTLO education 4 Khansele ya Borwa e tlaa tsenya dipone tsa marang a letsatsi Modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Mephato Reatile, a re khansele ya gagwe e tlaa tsenya dipone tsa mekgwatha tse di dirisang marang a letsatsi kwa Kanye. Rre Reatile o buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla kwaKanyebosheng. A re khansele e tlaa kopana le koporase ya motlakase gore ba tle ba gakololane gore go tlhokega eng. Rre Reatile o tlhalositse fa dipone tseo di tlaa tsenngwa maranyane a segompieno. A re motlakase oo o tlaa thusa go lwantsha borukutlhi a tlhalosa fa wa BPC mathata a one e le gore o na le dinako tse o kgaogang ka tsone. Rre Reatile a re mo phuthegong ya khansele e e tlang ba tlaalaletsa khamphani ya BITRI go tlhalosetsa makhanselara ka dituelo leditumalano tsotlhe tse go tla bong go berekelwa mo go tsone. Mo go tse dingwe, Rre Reatile o lekodisitse batsena phuthegoka dingwe tsa ditiro tse khansele eo e di dirang jaaka go thusa batlhoki lemasiela. A re ba thusa batlhoki le masiela a le 13 800 le baithaopi ba Ipelegengba le 63 232 le bathugi ba le 697. A re madi a mantsi a dirisiwa mo ditirelong tseo selo se areng se paledisa khansele go dira ditlhabololo dingwe mo kgaolong. Rre Reatile o tlhalositse fa puso e tlaa thusaba-na-le bogole ka phimolo dikeledi ya P300 kgwedi le kgwedi. Legale o tlhalositse fa go tlaa thusiwa ba-na-le bogole baba sa itireng sepe e seng mo-na- le -bogole mongwe le mongwe. A re madi ao atlaa bo a neelwa motlhokomedi wa mo-na -le bogole gore a kgone go mo isabongakeng. Fa ba mo kgwa dikgaba batsena phuthego ba ne ka lela kaletlhoko la metsi. Rre Mpho Kenosi o ne a re o dumela gore ba lephata la metsiba tshwanetse go bitsa diphuthego go lekodisa morafe ka seemo sa metsi. Rre Kenosi a re batho ba tlhoka metsi mme ba a bona asenyega mo motseng. A re go kile ga bo go na le komiti e e neng etlhokomela metsi e a re ba a bona a tshologa ba begele ba lephata gore ba tlego baakanya. Rre Ketumile Kaboeamodimo ene o ne a kopa gore bagodi bathusiwe ka matlwana a boitiketso kwa diposong, a re ba sokola fa ba iledikamogelong. Mokhanselara wa kgaolo ya kgosing, Rre MosekisiRanngobana, o ne a kopa gore kgang ya di VDC tsa Kgosing le Ntlhayatlase ya gorenngwe ya tsone e nyelediwe e rarabololwe ka bofefo go itsa ketsaetsego. society 9 Kgosi o kopa morafe go thusana go aga Mmopane Kgosi ya Mmopane e gwetlhile morafe wa gagwe go tshwaraganya diatla go aga motse wa bone ka pelo e le nngwefela. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Moarabi Taumanthe, a tlhalosa fa a tlhaloganya gore motse wa gagwe o na le baagedi ba ba farologanyeng mme seo a supa gore ga se a tshwanela go ba itsa gore ba kopane ba lwantshe borukutlhi jo bo jwelelang mo motseng wa gagwe. O ne a tlhalosa gore go botlhokwa gore banni botlhe ba tsene diphuthego tsa kgotla ka ke tsone tse go kgaoganwang melaetsa e e botlhokwa ya go aga motse le maele a botshelo ka kakaretso. O ne a supa fa a tlhobaediwa ke gore diphuthego tsa kgotla di tsenwa ke babereki ba Ipelegeng fela, e bile a supa gore batsadi le morafe ka kakaretso ga ba tsene diphuthego tsa kgotla. Kgosi o ne a supa fa selelo sa gagwe e le sa banana ba ba tlhokang tsebe a tlatsa ka gore bontsi jwa bone bo tlhola kwa dibareng. Kgosi o ne a tlhalosa fa dintwa le tsone di ile magoletsa, a bo a supa gore dintwa tseo di masisi ka jaana banana bao ba gobatsana ka one mabotlolo a ba nwang ka one. O ne gape a tlhalosa fa seemo se, se ka reba fela fa morafe o ka tsenya letsogo. Rre Taumanthe o ne gape a supa gore banana ba kgabagare ke bone ba ba amegang mo bogodung jo bo ileng magoletsa mo motseng wa gagwe. O tlhalositse fa batsadi e le bone ba ba ka thusanyang le mapodisi go emisa seemo seo. O ne gape a ba gwetlha gore diemo tsa go nna jaana di tlhokana le tirisano mmogo ka gore banana bao ba setse ba godile go botlhokwa gore batsadi ba tsibogele seemo se, mme ba ise banana bao kwa mapodising kgotsa kwa kgotleng go ya go otlhaiwa ka jaana go bipa mpa ka mabele go ka digela motse gammogo le morafe ka lemena. society 9 Maiteko a go fokotsa kanamo ya HIV a tsweletse Botswana o lebanwe ke namane e tona ya go lwantsha le go nyeletsa mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS. E rile ka ngwaga wa 2011 lefatshe leno la tla ka maitlamo a gore ka ngwaga wa 2016 go bo go sena batho ba basha ba ba tsenwang ke mogare, go bo go sena kgethololo mo bathong ba ba tshelang ka mogare ebile go bo go sena dintsho tse di bakiwang ke bolwetse jwa AIDS. Le fa gontse jalo, go ya ka mogokaganyi wa lekgotla la NACA, Mme Grace Muzila, maitlamo a, a a tlang bokhutlong ngwaga o o wela, ga a na go fitlhelelwa jaaka go ne go solofetswe ka go santse go na le bangwe ba ba sa diragatseng dithuto tse di gasiwang ka go thibela go tsenwa ke mogare wa HIV. A re go a tshwenya gore mo nakong ya gompieno go bo go santse go kwadisiwa megare e mesha, dikgang tsa kgokgontsho le dintsho tse di bakiwang ke bolwetse jwa AIDS. Mme Muzila o buile se kwa segopotsong sa mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS kwa Tloaneng. Le fa seemo se se tshwenya, Mme Muzila o tlhalositse fa dipalo di supa fa lefatshe leno le gatetse pele mo ntweng kgatlhanong le mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS. A re mo bathong ba basha ba ba tsenwang ke mogare wa HIV, go nnile le kwelotlase go tswa kwa go 15 000 ka ngwaga wa 2008 go ya kwa go 10 000 ka ngwaga wa 2013. Mo go tsa kgethololo, Mme Muzila o supile fa go le botoka. A re se se tshwenyang jaanong ke gore dipatlisiso tsa bone di supa fa ba ba tshelang ka mogare e le bone ba ikgethololang. Mme Muzila o supile fa ka ngwaga wa 2001 go tlhokafetse batho ba le 21 000 fa ka ngwaga wa 2012 go tlhokafetse batho ba le 5 800. Mme Layani Mandiwana-Molemane yo o itebagantseng le kanamiso ya diritibatsi mo kgaolong ya Mogoditshane, o supile matshwenyego a gore go santse go na le bangwe ba ba tlhabiwang ke ditlhong go nwa dipilisi tsa diritibatsi. A re gantsi batho ba e a re ba sena go di tsaya mo dikokelong, ba di tlogele mo matlong a boitiketso go na le go tsamaya ka tsone kwa malwapeng. A re se se a tshwenya ka se busetsa maiteko a puso kwa morago. Mongwe wa batho ba ba tshelang ka mogare wa HIV mme a ikamogetse e bile a tsere tshwetso ya go tswela mo pontsheng, Mme Onalenna Mpebe, o kgothaditse ba ba ba tshelang ka mogare gore ba ikamogele. A re go fitlhelwa ka mogare ga se bokhutlo. health 6 Banni ba kopa gore motse o tlhabololwe Banni ba Letlhakane ga ba kgotsofalele ditlhabololo tse di setseng di dirilwe mo motseng wa bone ba re di saletse kwa morago. E ne ya re fa a bua mo phuthegong e e neng e biditswe ke modulasetilo wa khansele . Monni, Rre Keikemetse Shakao ne a re Letlhakane ke motse o o dikaganyeditsweng ke meepo fela e le mene ka palo, kajalo go ka bo go setse go na le “lerothodinyana la dithabololo.” Monni yo mongwe, Rre Otsile Mmatlakgomo le ene o ne asupa gore puso e ba neetse mokwatla, a re sengwe le sengwe mo motseng o se aswafala, go tlhokana gore di ntshafadiwe. O ne a tswelela a re go thata gore bakgone go bona dithuso tse ba di tlhokang ka gore le bone badirela puso ga ba keba nna teng kwa diofising tsa bone. Rre Motshwariemang Matseka ele mokwaledi mogolo wa khansele o ne a tshwaela mo go se se neng se buiwa ke banni ba motse a re gore ba bo ba tsaya nako e ntsi ba seyo mo diosifising kegone gore ba a bo ba ile kwa bagolwaneng kwa Serowe go isa maikuelo a banni bamotse. O ne a tswelela a ba supegetsa gore moepo wa Debswana o ntsha P4 million ngwaga le ngwaga o neela kgaolo e, mme madi a teng ba a dirisa tse di farologanyeng di akaretsa go agela bana basekole matlwana a borutelo le tse dingwe fela jalo ka gore puso e le nosi ga ekgone. A re wa Karowe moepo one ke one o itlamileng go tlhabolola matlhabelo.Modulasetilo wa khansele ya Legare Rre Peter Williams o ne a ba tsibosa gore lefatshe la Botswana let samaisa meepo ka tsela e e farologanyeng le ya mafatshe a sele ka jalo ga akake a bua thata ka diabe tsa meepo, fela jaaka ba itse gore teemane ya Botswana keya batho botlhe. O ne a ba kgothatsa a re ditlamelo di a goroga ka bonya ka bonya mme ba se fele pelo ka gore dilo di tsaya nako go diragala. society 9 Kgosikgolo o rebola tiriso ya mabitla a Suping Kgosi Kgari Sechele III wa Bakwena o rebotse tiriso ya mabitla a Suping kwa bokone jwa Molepolole mo phuthegong ya kgotla bosheng. E rile a lekodisa morafe mo phuthegong ya kgotla bosheng, Kgosi Kgari Sechele III a supa fa tshwetso e tserwe go sika setsha se sengwe kwa kgaolwaneng ya Suping go thusa go fokotsa mosuke o morafe o o itemogelang gangwe le gape ka dinako tsa dipitlho segolo jang kwa mabitleng a Ga-Ranta. Kgosi o lekodisitse morafe fa tshwetso ya go sika setsha e gwetlhilwe ke go tswalwa ga mabitla a Masu-a-ditshwene a bontsi jwa morafe bo neng bo boloka baswi kwa go one ka jaana setsha se sengwe sa mabitla a Ratlhomelang se aperwe ke dikgang tse di fa pele ga makgotla a ditsheko. E ne e rile go le pele mo thulaganyong ya go dirwa ga moalo wa Molepolole ke baitsaanape ba tiriso ya lefatshe, ba sega mabitla kwa kgaolwaneng ya ga Ratlhomelang. Rre Shialala Kgosiemang o ne a simolola ka go ngongoregela gore setsha sa mabitla a Ratlhomelang ke sa gagwe mo tshekong e e gogileng sebaka sa dingwaga di feta borataro. Kgang eo, e ne ya atlholwa mo dingwageng tse pedi tse di fetileng go fa morafe sebaka sa go tswelela o dirisa mabitla a Ratlhomelang, mme Rre Kgosiemang a le supa le le fa ka go ikuela kgatlhanong le tshwetso ya lekgotla la kabo ditsha. E re ntswa Rre Kgosiemang e le ene moikuedi mo kgannyeng ya mabitla a Ratlhomelang, gangwe le gape ga a iponatse ka malatsi a a bewang a tsheko, ntlha ee kgoreletsang go wediwa ga kgang. Lekgotla la boikuelo la ditsheko tsa lefatshe le eteletswe pele ke moatlhodi Mme Sampa Kaisara, le ne la ntsha katlholo Phukwi a le 13 le laela Rre Kgosiemang yo aneng a sa iponatsa go emisa tiriso ya lefatshe le le sekwang ka ponyo ya leitlho Taelo eo e ne gape ya laola gore ba kabo ditsha le ba khansele ba e leng bone baiphemedi ba kope thuso ya ba sepodisi fa Rre Kgosiemang a sa e obamele, mme nako kgolo ke eno. Taelo ya lekgotla la ga Moatlhodi Kaisara ya Seetebosigo a le 13, e setse e siilwe ke nako mme ga go nko e tswang lemina jaaka makgamu a a amegang e leng khansele le ba kabo ditsha ba e leng baiphemedi, ga mmogo le ba sepodisi ba sa dumalane ka gore ke mang yo o tshwanetseng go dira eng kgatlhanong le taelo ya kgotla ya ditsheko. society 9 Botsogo jwa ngwana konokono Lephata la botsogo le boitekanelo le dirile go le gontsi go tlamela botsogo jwa ngwana. Moemedi wa lephata leo, Dr Gasennelwe Gabakgore, o buile se kwa segopotsong sa letsatsi la botsogo jwa ngwana kwa Shoshong bosheng. Dr Gabakgore o lebogetse bodiredi jwa kgaolo ya Shoshong go bo e ne ya re ba bona go kalwa le go tsaya mekento ga bana go sa nametse, ba seka ba rwala matsogo mo tlhogong. O kopile setshaba go thusa lephata mo maitlamong a lone a go nyeletsa malwetse a a tshwenyang. O ne a kopa borre go goga mmogo le bomme, go ikwadisa le go itlhatlhoba mmogo le gone go tsena tshidilo. Dr Gabakgore o gwetlhile boo-babedi go ititaya ka thupana le go ipaakanyetsa boimana gore peo e ba e ntshang e nne ya tlhwatlhwa e ba ka tsogang ba ikgantsha ka yone. O rotloeditse bo mmabana le borabana go itirela ka diatla le go lema, gore ba direle bana ba bone dijo, eseng go ikaega fela ka dijo tse di fiwang bana kwa kokelong. A re dijo tse bana ba di fiwang kwa kokelong di diretswe go oketsa dikotla mo mebeleng ya bone, mme ka go tlhoka lesego di apeelwa bagolo. O rotloeditse bodiredi jwa dikokelwana tsa Mahalapye le Shoshong go dira se se ka berekelang lephata go na le go dira se se tlwaelesegileng. Ka jalo o ba kopile go dira thulaganyo tsa go fitlhelela dikgaolo tse di kgakala ka go supagetse fa batho ba tsiboga fa ba botsogo ba tlhaba mokgosi. O kopile badiri ba lephata go itsaya motlhala go diragatsa megopolo e e isang pele, eseng go baa fela mo mananeong a puso, a re boipelego ke jone tlharabololo. Mogolwane mo lephateng la Mahalapye DHMT, Mme Ruth Olebetse a re botsogo jwa ngwana ke botsogo jwa lefatshe, ka jalo o gateletse botlhokwa jwa go isa bana kwa kokelong, go ya sekaleng, go tlhatlhobelwa mmopamo le go ba tsenya mo lenaneong la PMTCT. Mme Olebetse a re go na le dielo tse lephata la botsogo le di beileng, aa fa sekai ka go tsisa bana sekaleng, a re seelo ke 85 per cent, mme kgaolo ya Mahalapye e mo go 65 per cent, fa sa mekento e le 90 per cent, mme kgaolo ya Mahalapye yone e le mo go 80 per cent. A re go sa dira sentle mo, go ka felela go dira gore bana ba tshabelelwe ke malwetse jaaka mmokwane le a mahatlha, a tlatsa ka gore mekento e direletswe go fokotsa dintsho. Le fa gontse jalo, o ba akgoletse go bo ba dirile sentle mo go feng bana kotla ya Vitamin A. A re o ngomola pelo ka ba santse ba itemogela diemo tsa bana ba ba tsholwang ka mogare, se areng se ka fenngwa fa bommabana ba ka ya dikokelong ka nako. Kgosi Bonang Bonang wa kgotla ya Phaleng o ne a lebogela banni ba Shoshong go bo erile ba utlwa pitso ba iketeetsa ka makatanamane go tla go utlwa dithuto tse di amang botsogo le kgodiso ya bana ba bone. O kopile gore ba gololesege go botsa mo go tseo tse ba sa di tlhaloganyeng, a bo a ba kopa go fetisetsa molaetsa kwa go ba ba tlhaetseng go tla pitsong. health 6 Mokgatlho o tswa thuso Mokgatlho wa The African Women Leadership Academy (TAWLA) ba tshwaragane le ba Air Botswana le ba mokgatlho wa itshidilo mmele wa Curves ba supile mowa wa bopelotlhomogi ka go abela malwapa a le mararo dimpho kwa motsing wa Gopong ka mafelo a beke. Dimpho tseo di akaretsa dikobo, diaparo tsa bagolo le bana, dijo, melora e e tlhatswang le e e tlhapang, ditlolo le tse digwe. Malwapa a a abetsweng dimpho tseo ke a bana ba masiela, ba ebileng bangwe ba bone ba santse ba tsena sekolo mo sekolong se sebotlana, mme dimpho tseo ba ne ba di amogelelwa ke batlhokomedi ba bone. Erile mosimolodi wa mokgatlho wa The African Women Leadership Dr Mpho Gilika a bua kwa tirong eo ya Kabo dimpho a tlhalosa fa mokgatlho wa gagwe ele wa bopelotlhomogi ka jalo a ne a itshwaraganya le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Gopong go ba batlela malwapa a le mararo a bana ba masiela go ba thusa a tlhalosa fa mokgatlho wa gagwe o ne o dira jalo o ikaegile ka lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba la tshaba e e kutlwelobotlhoko ebile e kgathala. Dr Gilika o tlhalositse gore ba ne ba itshwaraganya le ba Air Botswana le CURVES gore batle ba kgone go thusa bana bao go le go golwane mme dikeletso tsa bone tsa atlega, a re ba dirile gore dikobo e nne bontlha bongwe jwa dimpho tsa bone gore di thuse bana bao mo pakeng ya mariga. O tlhalositse fa mokgatlho wa gagwe o simologile ka ngwaga wa 2010 o tlhamelwa go ruta le go thusa bana ba basetsana mo dikgwetlhong tsa botshelo tse ba kopanang natso, ka jaana setshaba ka kakaretso se lemogile fa bana le dikgwetlho. A tlhalosa fa gone ga tloga ga lemogwa fa bana ba basimane le bone bana le mathata ka jalo mokgatlho o o ba thusa botlhe go ba kgapha mo ditirong tse di k aba senyetsang bokamoso tse dingwe tsa tsone eleng boimana jwa banana, ditagi le tenego . Dr Gilika a re ba neela bana dithuso ka go tshwara dithuto-puisanyo le bone go ba rut aka ditla morago tsa dilo tse, a tlhalosa fa gantsi ba di tshwarela mo dikolong, a re ba dikolo le bone ba kgona go ba laletsa gotla go buisa bana le barutabana , mme ba tsise kagiso le neelano fa gona le bothata bongwe magaring ga baithuti le barutabana. E rile rre Thabiso Leshoai a bua mo boemong jwa Air Botswana a bolela fa ba itshwaragantse le mokgatlho wa The African Women Leadership Academy k aba bona ele mokgatlho o o dirang tiro e ntle thata ebile ele boylhokwa mo matshelong a batho. E rile go le pele a amaogela baeng kgosana ya tetlanyo kwa Gopong rre Kgosimodimo James a leboga makalana ao ka boraro jwa bone ka go supa mowa wa bopelotlhomogi mme a ba kopa gore makalana a bone a gole bat le ba tswelele ka go thus aba ba tlhokileng lesego. Ba malwapa a a abetsweng le bone ba ne ba bolela fa ba itumeletse dimpho tseo fela thata. society 9 Bana ba a latlhelelwa Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Lecheng, Mme Gabaikanngwe Bakwena, o ntshitse matshwenyego ka batsadi ba ba sa tseyeng boikarabelo jwa go tlhokomela bana ba bone. Fa a bua mo phuthegong ya batsadi le barutabana kwa sekoleng seo mo bosheng, Mme Bakwena a re bana bangwe ba tla sekoleng ka paka e e leswe, ba sa tlhapa mme ba tlhalosa fa ba nna ba le bosi, batsadi ba le kwa masimong. A re bana ba ba sa tlhokomelweng ga ba tshele sentle mme se se ame ditlhaloganyo le boitshwaro jwa bone, ka jalo maduo a bone a wele tlase. Mme Bakwena a re fa ngwana a sa bone tlhokomelo, ditoro tsa gagwe tsa go tshela botshelo jo bo itumediseng di ka retela ka ntlha ya go tlhoka dikgakololo le thotloetso gore a nne le boitshwaro jo bo siameng gore a ikgaphe mo ditirong tse di ka mo isang timelong. Kgwetlho e nngwe e Mme Bakwena a reng ba lebane nao, ke ya bana ba ba lofelang sekole kgapetsakgapetsa, a re ba salela kwa morago mo dithutong. Mme Bakwena a re go sa tseneng sekole ga baithuti, go ketefaletsa barutabana tiro ka gore ga go motlhofo gore ba lemoge bokoa le bokgoni jwa bone. Baagi ba Lecheng ba ne ba supa fa ba sa itumedisiwe ke maduo a bana, ba bo ba gakolola barutabana go dira ka natla go tokafatsa maduo, ba re batsadi ba ba latlhelelang bana ba tshwanetse go tseelwa dikgato tse di gagametseng. education 4 Ba lela ka tlhaela ya lefatshe Modulasetilo wa komiti ya palamente e e itebagantseng le tsa temo-thuo, lefatshe le bonno Rre Moeng Pheto o tlhalositse fa tlhaelo ya lefatshe mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa e tshwenya fela thata. Fa a tlhalosa mo phuthogong ya kgotla kwa Tsabong bosheng modulasetilo yo e bileng e le mopalamente wa Kweneng Borwa Rre Moeng Pheto a re Kgalagadi o namile le molelwane wa Aferika Borwa se se dirang gore lefatshe le le dikaganyediwe ke dipolase tse di hupeditseng batho ba lefelo le. A re metse e tshwana le bo Heriford (Bray), le bo Bokspits o fitlhela go na le sekidi sa motse se se dikaganyeditsweng ke dipolase, se se dira gore batho ba metse e ba sale ba sena mahudiso a leruo la bone le lone lefelo la bonno. Fa a tlhalosa Rre Pheto a re mopalamete wa kgaolo ya Kgalagadi Borwa e bile e le leloko la komiti e o sale a ba tsentse tsebetsebe ka letlhoko la lefatse le matshwenyego a ba nang le one mo kgaolong e, ka jalo ba tsile mo kgaolong eo go tla go itseela ka tsebe gore ba kgaolo ya Kgalagadi ba eletsa gore ba ka direlwa eng fa go tla mo lenaneong le le tsamaisang lefatshe. A re Rre Toto o ne a kopile gore pele ga palamente e phatlaladiwa go ya ditlhophong ba tshwanetse gore komiti e bo e setse e itebagantse le dikgang tsa tlhaelo ya lefatshe mo Kgalagadi e seng jalo tiro ya bone e le komiti e tlaa bo e sa wela. Rre Pheto a re e re le ntswa komiti e le ya temo-thuo, lefatshe le matlo gompieno ba itebagantse thata le dikgang tsa lefatshe. A re ba sa tswa go bowa kwa lefatsheng la Aferika Borwa kwa ba tswang go anya maele gore bone ba dira dilo jang kwa dipolaseng. Fa a mo tlatsa mopalamente wa Kgatleng Botlhaba Rre Gilbert Mangole a re moono mogolo wa patlo maikutlo ke go sekaseka paakanyo ya lenaneo la tsamaiso ya lefatshe mo Botswana. A re se se ka thusa gore go seka ga nna le ope yo o tlaa kgaphelwang kwa thoko fa go dirwa lenaneo le. Fa ba ntsha la bone banni ba kgaolo ya Kgalagadi ba supile fa ba tshwenngwa thata ke dipolase tse di dikaganyeditseng kgaolo ya bone le go tlhoka go dirisana sentle le ba lekgotla la kabo ditsha. Ba re ba kopa gore lefatshe la morafe ko Heriford le okediwe ka batho ba metse eo ba sena kwa ba fudisang leruo la bone teng. Ba boile ba tlatsa ka gore leruo la bone le tshabelelwa ke go tsena mo dipolaseng tse di mo lefatsheng la Aferika Borwa mme go nne thata gore ba ka le golola. Ba re fa puso e ka ba akanyetsa gore bogolo ba ipope digongwana ba bo ba fiwa dipolase se e ka nna dikganedi go itsa gore leruo la bone le tsene mo dipolaseng tsa batho. Ba re kgaolo ya bone ke kgaolo e e senang pula ka jalo se se ka seke se dire gore temo e atlege mme fela kgaolo ya bone e nonne that a ka leruo, ka jalo ba re go botoka go fetola masimo go nna momahudiso ka leruo. Ba re se se ka thusa gore ba boloke se ba nang le sone go na le gore ba tlogele lefatse le sa dirisiwe. Bokhutlo politics 7 Monna o ipolaile ka go itiga mo kagong Mapodisi a Serowe a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone molwetse wa tlhaloganyo a neng a itiga a ba a tlhokafala kwa kokelong ya Sekgoma Memorial kwa Serowe bosheng. Mo potsolotsong le Go ya ka mogolwane wa mapodisi, moswi yo o tlholegang kwa Paje go lebega a ne a nwa dipilisi tsa gagwe go fetisa selekanyo se se beilweng, selo se se neng sa baka tlhoka kutlwisisanyo le mmaagwe. Morago o ne a tsogologela mmaagwe, a mo tlhaba ka sengwe se se bogale, mme a ragosediwa kwa Sekgoma kwa a sidilegang teng. Setopo se mo setsifatsing go tlhatlhojwa ke dingaka. PHELELO crime_law_and_justice 1 Sediba sa Somelo se tlaa baakangwa Modulasetilo wa khansele potlana ya Maun, Rre Mmoedi Modiegi a re sediba sa leruo sa Somelo se tlaa baakanngwa mo bogaufing. Rre Modiegi o buile se mo phuthegong ya Kgotla e e neng o buisiwa ke Mopalamente wa Ngami, Rre Thato Kwerepe. A re motse oo, o haphegile ka jalo khansele e dira bojotlhe go ba thusa mo nakong e e khutshwane. Fa a akgela, mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Maun, Mme Pedzani Mahama o tlhalositse fa kgang ya metsi a didiba tsa leruo e le mo tafoleng kwa khanseleng. Mme Mahama a re sediba sa pele se senyegile diphaepe e bile ba lemogile fa se senyega kgapetsakgapetsa. A re ba tsweletse ka go batla ditlhotlhwa go se baakanya. A re sediba sa bobedi se se dirisang marang a letsatsi, ga se ntshe metsi a mantsi mme ditlhotlhomiso di supa fa mathata e le go sa tsenngwa sentle ga maranyane a letsatsi. E ne e rile go le pele, Kgosi Mokhutshwane Komee wa Somelo, a supa fa sediba sa marang a letsatsi se sa ntshe metsi a a lekaneng mme motse o thusiwa ka go tshelelwa metsi ka ditanka mme seo se sa lekana ebile go ka tswa gole turu gona le go baakanya sediba sa pele. Kgosi Komee a re sediba sa pele se tshabelelwa ke go senyega a re se sa le se senyegile Mopitlo. A re sediba seo se kile sa senyega ka lebaka ka 2016 mo loruo lo neng lo swa ke lenyora a re go botlhoko ka morafe ga o a phimolwa dikeledi go fitlha gompieno a re ga ba eletse seemo seo se ka boelela ka ebile selemo se goroga. Kgosi o kopile khansele go emela motse wa bone ka dinao.. society 9 St Paul e aba diaparo Kereke ya St Paul e abetse batlhoki diaparo. Kereke e dirile seo mo bokopanong jwa yone kwa Mochudi jaaka ba ne ba dirile mokete wa ditebogo ka Sontaga go leboga Modimo ka ditshegofatso. Mongwe wa baphuthegi, Rre Molefe Mosothwane, yo e bileng e le mokhanselara wa kgaolo ya Bokone kwa Mochudi, a re ba bone go tshwanela gore ba nne le seabe mo go thuseng Batswana ba bangwe. A re ka jalo ba ne ba bone go le botlhokwa gore ba kope bakaulengwe jaaka bone go aba diaparo tse ba sa di diriseng mme di santse di ka dirisiwa go thusa ba bangwe. Rre Mosothwane a re o leboga bakaulengwe fela thata ka go araba kopo ya bone mme ke ka moo kereke e kgonneng gore e bo e aba ka letsatsi leo. A re Baebele e tlhalosa sentle gore go sego letsogo le le abang mme e bile kereke e tshwanetse go tlhokomela ba ba tlhokileng lesego. Godimo ga moo, o ne a supa gape fa ba setse pilara ya ponelopele ya lefatshe la Botswana ya go nna pelotlhomogi le go supa lorato mo go ba bangwe. A re tiro eo o ne a sa e dira a le nosi mme o ne a e thusana le Mme Thandie Morokotso yo o nnileng le seabe se segolo mo go atlegeng ga yone. E rile a amogela dimpho tseo mo boemong ja khansele, raboipelego wa kgaolo eo, Rre Terrence Lottering a lebogela kereke eo go abela batlhoki mme a supa fa ba na le batlhoki ba ka tshwara 45. Moruti mogolo wa k St Paul, Dr Kello Moloi go tswa ko Aferika Borwa o ne a kgothatsa phuthego go direla Modimo ka natla. A re bokeresete ke selo se motho a dirang ka matsogo a gagwe bogolo jang ka gore tumelo e batla ditiro tse di itumedisang Modimo. A re ba tshwanetse go tshwara ka matsogo a mabedi go direla Modimo gore le Modimo a bule dikgoro tsa botshelo. Moruti Moloi o ne a lebogela phuthego l go bo e tsile ka dipalo kwa moketeng wa ditebogo mme a supa fa Modimo a ntse a na le bone ka dinako tsotlhe mme e bile a tlaa ba thusa go bula dikgoro tsa matshelo a bone gore ba segofale. Bokhutlo religion_and_belief 8 Mapodisi a tshwere babelaelwa Mapodise a Ramotswa a tshegeditse borre ba letso la Zimbabwe ba le barataro tebang le bogodu jwa dithoto tsa madi a a ka fetang P80 000, tse di neng tsa utswiwa kwa Old Naledi ka Ngwanatsele a tlhola gabedi. Mogolwane wa mapodise a Ramotswa, Superintendent Sarah Gabathuse a re babelaelwa ba sa ntse ba le ka fa tlase ga diatla tsa mapodise, fa go sa ntse go dirwa dipatlisiso tsa go bona fa ba ka tswa ba sa amane le setlhopha sa dilalome tse di neng di tlhorontsha banni ba Mmokolodi le Notwane kgwedi tse nne tse di fetileng. O boletse fa ka Hirikgong, monongwaga, babelaelwa ba le babedi mo go bone bo rre bao, ba ne ba tlhaselwa ke banni ba Mmokolodi ba bo ba tshwarwa; mme morago ba fiwa go ka letela tsheko kwa ntle. Superintendent Gabathuse a re dithoto tse di utswilweng di begilwe ke mogwebi mongwe kwa Notwane ka Phalane a le masome a mararo le bongwe. A re dithoto tse di supilweng ke mogwebi oo di akaretsa didirisiwa tsa motlakase le tse dingwe tsa mo ntlong.“Re setse re bone dingwe tsa dithoto tseo tse di ka tshwarang P66000.00, mme e bile re na le tsholofelo ya gore re tla bona tse di setseng”, go bua Mme Gabathuse. Babelaewa ba tshwanetse go iponatsa fa pele ga ga Makaseterata mo bogautshwaneng.Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Banana ba itshetsa ka tiro ya diatla E re ka e le maiteko a puso go ntsha Batswana mo lehumeng la nta e tshetlha, banana ba Kanye ba kgotla ya Mmamokhasi ba itshetsa ka tiro ya diatla. Rre Morapedi Bosigo yo o dingwaga tse di masome mabedi le motso o tlhalositse mo potsolotsong le O tlhalositse fa tiro e, a e tshwaraganetse le mogolowe ebong, Rre Kago Kgomotso yo o dingwaga di masome mararo le boraro.A re ba e simolodisitse ka 2013 a dira mophato wa boraro kwa sekoleng se segolwane sa Ngwaketse. Rre Bosigo a re o feletse ka mophato wa botlhano mme e ne ya re go fetseng sekole ga gagwe a tsweledisa tiro ya diatla e a saleng a e simolola a dira mophato wa boraro ka o ne a lemogile gore tiro ya diatla e botlhokwa mo dipakeng tsa segompieno ka lefatshe la Botswana le lebaganwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya ditiro. A re tiro e, e tsisitse pharologanyo e kgolo mo matshelong a bone ka ba kgona go itshetsa. O ne a tlhalosa fa ba kopana le dikgwetlho di tshwana le go tsaya nako kwa Gaborone ba ile go gatisa mekwalo mo dilwaneng ka mola o a bo o le moleele. A re go fetoga ga loapi go a ba ama ka fa go le dipula ga ba kgone go isetsa bareki dilwana tsa bone ka nako e ba e dumalaneng ka ba a bo ba dirisa dipalamo tsa setshaba. O kaile fa kgwebo ya bone e na le dipoelo tse di nametsang go na le fa ba simolola go rekisa ka jaanong Batswana ba setse ba itse ka leina le ba gwebang ka lone gape ba supa fa ba kgatlhegetse tiro ya bone ka ba tla go reka ka bontsi. Rre Bosigo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba dirisa maranyane a tshwana le Facebook go ipapatsa. A re ba tsena ntlo le ntlwana ba bapatsa dilwana tse ba di rekisang. O ne gape a re ba ipapatsa ka go apesa badiragatsi ba ba itsegeng gore ba rekise leina la bone la kgwebo e bong Lemonka. O tlhalositse fa kgwebo ya bone e sena barotloetsi mme e simolodisitswe fela ka go kopanya lemme le ba neng ba na le lone ene le mogolowe. A re mme seo ga se ise se ke se ba kgobe marapo ka ba amogela thotloetso mo masikeng le ditsala. A re ba setse ba kile ba apesa ditlhopha tsa kgwele ya dinao paka ba e kwadile letshwao la bone. O ne gape a re ba kile ba apesa setlhopha sa bodiragatsi se se ipitsang Amanandos le mogasi wa lenaneo la A re mo nakong ya gompieno ba mo ditumalanong tsa go apesa setlhopha sa psycho Kings lobaka lwa dikgwedi tse thataro mme e tlaa re morago ga moo ba simolole go ba apesa ka madi. O gakolotse banana ka ene go itse fa thuto e se ya go bala le go kwala fela mme ya diatla e le molemo mo nakong ya gompieno e banana ba leng mo kgwetlhong e tona ya letlhoko la ditiro. Rre Bosigo o rotloeditse banana go ema ka dinao go dirisa mananeo a puso go itshetsa le go intsha mo lehumeng. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Bagwebi ba babotlana ba a lela Mmolo o mosha o o sa tswang go bulwa kwa Kanye wa Mongala o tsisitse boitumelo le bohutsana mo banning ba Kanye, ka jaana go supega fa bangwe ba itumeletse mmolo oo, fa bangwe ba bagwebi ba babotlana ba tlhalosa fa marekisetso ao a ya go diga dikgwebo tsa bone. Mo potsolosong bosheng, bangwe ba bagwebi ba babotlana ba boletse fa ba itumeletse mmolo oo ka jaana o tsile ka mabentlele a mantsi a a ntseng a seyo mo Kanye mme seo se tlaa ba fokoletsa mosepele wa go latela dilo dingwe kwa toropong ya Lobatse le Gaborone jaaka go ntse go diragala. Le fa go ntse jalo, bangwe ba bone ba re le fa mmolo o le botlhokwa, sebe sa phiri ke gore kgwebo ya bone e tsile go wela kwa tlase ka jaana dingwe tsa tse ba ntseng ba di rekisa, jaaka merogo, lesika la ditamati, phaletshe e buduleng, nama e e besitsweng le tse dingwe fela jalo, go sa letlelesege gore ba di rekise kwa mmolong oo ka mabaka a ba a filweng; bogolo jang thata ka mabentlele mangwe a mmolo oo a di rekisa. Mmolo oo, o na le matlwana a bagwebi ba babotlana a a duelelwang a le masome a mararo le borataro. Mo go yone palo ya matlwana ao, a le masome a mabedi ka a a tswetsweng ebile a lotlelwa, fa a le lesome le borataro o ne a sa lotlelwe. Ba tlhalositse fa matlwana a a lotlelwang a duelelwa P250 ka kgwedi, fa a mangwe one a lopa mogwebi P100 ka kgwedi. Mo go ba ba amogetseng matlwana ao, bangwe ba bone ba tlhalositse fa ba tsile go ketefalelwa ke go duela madi a go hirisediwa matlo ao ka ba na le tumelo ya gore kgwebo e tsile go tsenya madi ka bonya fa ba sa rekise dijo le lesika la merogo, ka ele tsone di bogadi bo gaufi. Bangwe ba tlhalositse gore go tlhoka go abelwa bonno jwa go rekisa mo mmolong go ba beile ka fa mosing ka go rekisetsa fa maememolong a dikoloi tsedi rwalalang setshaba go na le dipoelo tse di botoka. Mo godimo ga moo, bangwe ba re pele ba ne ba rekisetsa kwa maemelong a dibese pele ga ba fudusiwa ke khansele go sutela kago ya mmolo, ka mabaka a gore ba tlaa boela teng go tsweledisa kgwebo tsa bone fa o wediwa. Ba tlhalositse fa ba le maswabi thata go bo ba sa bona bonno kwa mmolong mme e bile bontsi go tsene batho ba basha koo. Ba re ba swabile nko go feta molomo go bona khansele e fetogetse ditumalano tseo, ka jaanong gone go abiwa matlwana ao ka khupelekhupele. Ba ikuetse mo khanseleng go ba letlelela go tsena mo mmolong ka go rekisetsa ka fa tlase ga dikhukhu, ba gatelela ka gore kwa mekgwatheng ga gona kgwebo mme lemmenyana le ba le boneng ba itshidisa ka lone le ba malwapa a bone jaaka go duelelwa bana ba bone kwa dikoleng. Ba kopile khansele go lemoga fa Kanye ele motse mme o sa tshwanela go tshwantshanngwa le mebolo ya ditoropo mo bangwebing ba babotlana. E rile a tsibogela dingngora tseo, mogolwane wa kompone ya Time Projects, Rre Turnie Morolong, o ne a tlhalosa gore go bo batho ba sa bona matlwana kana bonno botlhe, ke gore baikopedi ba ne ba le bantsi mme matlwana ao a abiwa ka khupelekhupele; ke ka moo go tseneng batho ba basha le ba bagologolo. A re gone go le bokete go ka tsaya ba kileng ba bo ba rekisetsa koo fela. Rre Morolong a re go dirilwe ditumalano pele fa batho ba ka abelwamatlwana ao, go sena patiko, a tlhalosa fa jaanong a le maswabi go utlwa bangwe ba ngongoregela madi a duelelang bonno, ba tlhalosa fa a le kwa godimo le gore ga ba letlelelwe go rekisa dilo dingwe. A re ba ne ba lebile gore fa ba ka rekisa selo sele sengwefela ba le bantsi, bogolo jang dijo, ga ba kake ba bona dipoelo, a gatelela ka gore mo thekisong ya diaparo gone ga se bothata. Rre Morolong a re gape maikaelelo ke gore ba itsamaisetse kgwebo ya bone jaaka go dumalanwe, le gore motho ga a letlelelwe go nna le matlwana a feta bongwe a le nosi. society 9 Thebe o itoma molomo wa tlase Mme Orelebe Thebe wa Mookane ke mongwe wa ba ba atlegileng ka lenaneo la nyeletso lehuma la go itshimolodisetsa kgwebo ya go roka diaparo. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Thebe o boletse fa a itshetsa ka go dirisa botsipa jwa go roka, jo a bo tsereng kwa sekoleng sa tiro ya diatla. A re morago ga go fetsa sekole o ne a thapiwa mo kgwebong ya go roka loboka lo lo leele,ka jalo a gwetlhega go itirela e e leng ya gagwe, mme a ikopela dithuso tsa lenaneo la nyeletso lehuma mme kopo ya gagwe ya atlega. O tlhalositse fa a simolotse kgwebo ka 2013, a sena go tsena dithuto tsa kgwebo dibeke tse thataro kwa Mahalapye, A re o ithutile go roka a sa ntse a le kwa sekoleng se segolwane, mme ya re morago a ya go tsweledisa lerato la go roka kwa sekolong sa tiro ya diatla. A re kitso e,ke yone e tshegeditseng gore kgwebo ya gagwe e tswelele pele go fitlhelela mo nakong eno. Mme Thebe a re o ne a thusiwa ka ditsompelo tsa kgwebo jaaka matsela le metshine e e rokang. O boletse fa kgwebo ya go roka e tsisitse diphetogo mo botshelong jwa gagwe le fa go na le dikgwetlho jaaka letlhoko la bareki ba popota. Le fa go ntse jalo, o boletse fa dipoelo a di dirisa dilo tse di botlhokwa jaaka go duelela bana sekole gammogo le go ba rekela paka. Mme Thebe a re bosheng o ne a supa dithoto tsa gagwe kwa ditshupong tsa kgaolo-potlana ya Mahalapye mme a feta ka tse di tsididi a ikgapela maemo a ntlha mo go direng mosese wa leteisi. A re kgwebo ya gagwe e itebagantse le go dira paka ya dikole,dilwana tsa manyalo,digaretene,diaparo tsa setso le tse dingwe. Mme Thebe o boletse gore o ipapatsa ka go bua ka kgwebo gongwe le gongwe kwa a tsamayang teng, a tlhalosa fa a dira seo ka ntata ya gore ga a ise a nne le madi a go ka bapatsa kgwebo mo diromamoweng le dikoranta. “Kgwebo e, ke thuto mo go nna e bile ke boswa jo ke ka se kakeng ka bo amogwa ke ope,” a tlhalosa. A re o rotloetsa banana le botlhe ba ba tsereng mananeo a nyeletso lehuma go nna pelokgale mo dikgwebong tsa bone. Fa a kgothatsa banana a re ba seka ba nna le poifo fa dikgwebo tsa bone di sa dire sentle mme ba nne le mowa wa tsholofelo ka nako tsotlhe. Mme Thebe gape o ne a gwetlha ba ba maoto a tshupa go ikopela mananeo a puso go ka intsha mo lehumeng la nta e tshetlha, a tlatsa ka go re mananeo a, a ka thusa go kabakanya itsholelo. BOKHUTLO education 4 Dikgatlhong o tlhaelelwa ke dipalamo Kgosi Muenda Moreti wa Dikgatlhong kwa Kweneng-Botlhaba o ikuetse ka letlhoko la dipalamo tsa setshaba go tswa mo motseng wa bone go ya Lentsweletau le Gaborone. Kgosi o ntshitse ikuelo e bosheng mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane, Rre Vincent Seretse bosheng. Kgosi o tlhalositse fa dipalamo tsa setshaba di felela kwa Lentsweletau fela, a tlatsa ka gore, e re le ntswa go ne go na le mongwe yo o ne a kgatlhegetse go ka ba tswa thuso ya sepalamo sa setshaba, ga a ka a atlega fa a kopa teseletso kwa go ba lephata la dipalamo. E ntse e le mo go tsa dipalamo tsa setshaba, monana mongwe o ne a tlhalosa fa e kile ya re a kopile mosepele mo koloing nngwe, ya sia ka ene e tsena mo se sekgweng, e le go gatelela ntlha ya kgosi, go supa fa go tlhoka dipalamo go ba jesetsa mo lesweng. Banni ba ne ba ikuela gape ka gore, e re ka Molepolole e le motse o ba tsayang ditlamelo ka bontsi mo go one, tsela ya Lentsweletau-Molepolole e tshelwe sekonetere ka se tlaa fokotsa madi a ba a duelang go lefa mosepele. Mopalamente Seretse o ne a supa fa a gakgametse gore ba lephata la dipalamo ba ganne ka teseletso, a tlhalosa fa a tlaa latedisa kgang. O ne a tlhalosa gape fa e rile bosheng a bo a kopane le tona wa dipalamo le ditlhaeletsano a mo lekodisa ka tsela ya Lentsweletau-Molepolole, yo o supileng fa e setse e tsentswe mo lenaneong la go tshelwa sekontere. Mongwe wa banana, Mme Keamogetse Nkgago, o ne a ngongorega ka gore ba temo-thuo ga ba ke ba ba lekola kwa masimo le morago ga ba sena go ba fa mananeo; jaaka go tla go ba fa melemo ya leruo. Mme Selipa Toromaba ene o ne a akgola ba kabo ditsha, a tlhalosa gore gangwe le gape ba a ba lekola. Mme Toromba o ne gape a akgola puso ka mananeo a yone, a re o kgonne go agelela tshimo ya gagwe, leg o nna le mochine o o silang dijo tsa leruo. Mo phuthegong e nngwe kwa Sojwe e ntse e buisiwa ke mopalamente Seretse, banni na ne ba lela ka letlhoko la metsi, go ne go lebega e le selelo se le sengwe le sa banni ba Dikgatlhong. Bone ba ne ba ngongorega gape ka go tlhoka boroko ga badirelapuso le go go tsaya nako go shwahatsa sekole sa bone se segolwane sa Macheng, se seemo sa sone se setseng se tlhobaetsa. Kgosi Tlhabologang Hube wa Sojwe, o ne a supa fa a tshwenyegile ka go tlhoka boroko ga badirelapuso ka kakaretso mo motseng wa gagwe, a tlatsa ka gore mme ba ka solofelwa go ntsha maduo jang fa ba sa nne sentle. Kgosi Hube o tshwaetse gape ka borukutlhi jo bo ileng magoletsa mo motseng wa gagwe a re sebe sa phiri ke gore ba sepodise ga ba na koloi. Matshwenyego a a neng a ntshiwa ke bana ka bontsi ke gore, fa ba leka go tsenya dikopo kwa lekalaneng la Citizen Entrepreneurial Development Agency, ba batliwa selekanyo sa masimo a matona a ba senang one. Ba ne ba ngongorega le ka gore makalana a a farologaneng, jaaka la banana, Local Enterprise Authority le lone la CEDA, ga a ke a ba etela kwa motseng go ya go ba rutuntsha ka tsa ipulelo kgwebo, le tse ba di tlhokang fa motho a tsenya kopo. Yo o neng a emetse ba lekalana la CEDA, Rre Motsumi Yane o ne a gakolola gore baikopedi ba ka kopa ba masimo a ba agisantseng le bone go a kopanya gore ba tle ba kgone go thusiwa, a tshwaela gore fa masimo a kopantswe, dipoelo di ka nna botoka. Mopalamente Seretse o tlhalositse fa mo nakong ya gompieno go ikaegilwe thata ka temo-thuo, jalo a kopa setshaba go sala ditaelo tsa temo morago. politics 7 Komiti ya Semitwe e dira ka natla Komiti ya ditlhabololo tsa Semitwe e tsweletse ka go ema nokeng mananeo a puso a maikaelelo e leng go tokafatsa matshelo a ba ba amilweng ke lehuma gammogo le ba ba tlhokileng lesego. Mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Dominic Masalila a re komiti e dira ka gotlhe e bile e ithaopile go thusa maphata a puso a a tsamaisang mananeo a. Rre Masalila a re komiti e dirile thulaganyo ya go nna ba bitsa diphuthego go rutuntsha banni ba motse ka one mananeo a le bomosola jwa one. A re ba lemogile fa go le botlhokwa go ema nokeng mananeo ao gore maikaelelo a one a tswe tema. O boletse fa ba ithaopile go rutuntsha morafe le gone go ba rotloetsa go ikopela dithuso ele nngwe tsela ya go supa kemo nokeng ya one. Go sale foo, Rre Masalila a re ba dira ka gotlhe go netefatsa gore dikitsiso ka mananeo a di amogelwa ke botlhe mo motseng. A re maloko a komiti ba tsamaya gangwe le gape mo motseng go lekodisa bagodi le bangwe ba ba sa kgoneng go tsena diphuthego ka mabaka a a farologaneng ka mananeo le go utlwa matshwenyego a bone mme ba a rolele diofisi tse di maleba. Kgosi wa motse oo, Rre Joseph Batisani le ene o akgotse komiti e a supa fa e tshwere ka thata le ntswa e lebanwe ke namane e tona ya tiro e ba e dirang ka bonatla le ka botlhaga. A re komiti ya ditlhabololo tsa motse ke yone matlho a morafe gape e netefatsa fa tsotlhe di apere tshiamo mo motseng. O tsweletse a re le ntswa ba dira tiro e e kalo, go a itumedisa go bona maloko a dira ba le seopo sengwe mme gape ba tsweletse ka go dira ditiro dingwe ka mowa wa boithaopo. O bile a supa fa ditiro dingwe tse di setseng di dirilwe ke komiti e di kgatlhisa gape di na le motlhala. A re dingwe tsa ditiro tse di dirilweng di akaretsa go epiwa ga lehuti la matlakala le maikaelelo eleng go kokoanya matlakala golo gongwe go itsa gore a gasame le motse mo a felelang a nna diphatsa mo bathong le diruiwa tsa mo gae. Kgosi o supile fa a itumedisiwa ke go bona komiti e emetse ditiro tsa lenaneo la Ipelegeng ka dinao. O tlhalositse fa komiti e thusa ka nako ya go thapiwa badiri ba lenaneo leo mme e bile e netefatsa gore ditiro tsa lenaneo tse di abilweng di dirwa ka natla gape di wediwa ka nako e e beilweng. politics 7 Nteletsa e thusa banni Maranyane a Nteletsa wa Bobedi a a abetsweng metse ya dikgaolo tse di kgakala le ditlamelo a mosola fela thata ka a tokafaditse matshelo a banni. Mo potsolotsong bosheng, Mme Kagiso Tshabaitsile yo o e leng moithaopi kwa Ngarange mo kgaolong ya Okavango o supile fa lenaneo leo le thusa fela thata ka batho ba sa tlhole ba latela ditlamelo tseo kwa Shakawe le Gumare jaaka pele. Mme Tshabaitsile o supile fa lenaneo leo le thusa ka maranyane a inthanete, go rekisa dikarata tsa megala wa letheka tsa be Mobile, go dira meriti ya Omang le ditlankana tse di farologaneng ga mmogo le go ntsha dithuso tse dingwe. O supile fa banni ba itumelela maranyane ao e bile ba dirisa ditlamelo tseo ka dinako tsotlhe, segolo bogolo badirelapuso ka ba kgona go dira ditiro dingwe tsa bone tse di tlhokang dibalamakgolo gammogo le barutabana ba ba a dirisang mo go tsa thuto ya bana ba sekole. Mme Tshabaitsile o tlhalositse fa ba okeditse ditirelo tsa bone ka go rekisa didirisiwa tsa bana ba sekole di akaretsa dipene, disutlho, dibuka tsa sekole tse di kwalelwang le dionfolopo mme a re ba dira dipoelo tse di nametsang fela thata ka dithuso tse ba nang le tsone. Le fa go ntse jalo, Mme Tshabaitsile o tlhalositse fa ba kopana le dikgwetlho tsa go senyega ga didirisiwa tsa bone jaaka motshine o o dirang meriti ya dipampiri le go kgaoga ga maranyane a inthanete, selo se a supileng se emisa ditirelo tse dingwe tsa bone. O supile fa ba ikaelela go tlhabolola ditirelo tsa bone ka go simolola go rekisa dikarata tsa megala tsa Mascom le Orange ga mmogo le go rutuntsha banni ba motse wa Ngarange le metse e e mabapi ka go dirisa dibalamakgolo le inthanete. BOPA education 4 . Mogolwane wa lekgotla la ditlhopho kwa Francistown Rre Nyanga Nyanga o kgothaditse Batswana go dirisa sebaka se se beilweng sa go ikwadisetsa ditlhopho tsa setshaba tsa ngwaga o o tlang. 
Rre Nyanga o dirile kgothatso e bosheng fa a buisana le O tlhalositse fa ikwadiso e e dirilwe go nna malatsi a maleele go fa Motswana mongwe le mongwe yo o nang le tshwanelo ya go ka tlhopha gore a kgone go ikwadisa ka jaana go tlaa seke go nna le ikwadiso ya tlaleletso. Ke gone ka moo a neng a kgothatsa Batswana go dirisa sebaka se go ikwadisetsa ditlhopho tsa bosechaba mme ebile a supa fa lekgotla la gagwe le dirile tsotlhe tse di tlhokegang go tlamela ikwadiso e. A re tse di tlhokegang gore motho o ka ikwadisetsa ditlhopho ke gore a bo a na le dingwaga tse di lesome le borobabobedi le go feta, e le Motswana yo o nang le Omang o o mo tirisong. Rre Nyanga o tsweletse a tlhalosa fa ope fela a letlelesega go ka ikwadisetsa ditlhopho kwa a tlholegang teng kgotsa kwa a nnang teng a eletsa go tla go tsenya tlhopho ya gagwe teng. O tlhalositse fa mo pakeng e e fitileng ya ditlhopho tsa bosetshaba tsa 2014, ba ne ba kgonne go kwadisa batlhophi ba le 34 993 mo dikgaolong tsa botlhophi tsa Francistown, mme mo pakeng eno e le tsholofelo ya bone gore ba tla kwadisa palo e efetangegomenagane. O ne a tlatsa ka go gwetlha segolo bogolo basha go di goga kwa pele mo go tseeng karolo mo ikwadisong e gore ba tle ba nne le seabe mo ditlhophong. O tlhalositse fa gangwe le gape basha e le bone ba agang ba le maoto a tshupa go ka tsaya karolo mo ditlhophong, a tlatsa ka go tlhalosa fa go tsaya karolo mo ditlhophong e le sekao sa gore o a bo o tsaya karolo mo ditlhabololong tsa lefatshe leno. Rre Nyanga gape o ne a kopa bodiredi jo bo tlaa bong bo lebane go kwadisetsa batlhophi ditlhopho go dira tiro e ka matsetseleko le manontlhotlho. economy_business_and_finance 3 Sekolo sa Mhalapitsa se ipelela phenyo Sekole se sebotlana sa Mhalapitsa se ne se ipelela phenyo ya maduo a lekwalo la bosupa a ngwaga o o fetileng. Sekole se ke sengwe sa tse di masome mabedi le bongwe tse di dirileng sentle ngwaga o o fetileng ka go nna le baithuti ba ba tshwereng matshwao a ABC botlhe (100 per cent). Sekole se se se dingwaga di masome mane, se tshwere matshwao a lekgetho la bobedi ka 2007 le ka 2016. Fa a bua ko moletlong wa ipelelo phenyo o o neng o tshwerwe ko Mhalapitsa bosheng, Mogolwane mo lephateng la thuto go tswa moding Rre Ndondo Koolese o akgoletse sekole seo go bo se dirile sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa tsa ngwaga o o fetileng. O ba rotloeditse go tswelela ba gagamaditse setoropo gore maduo a sekole seo a tswelele a le ko godimo. A re se se supa gore batsadi le barutabana ba bereka sentle mmogo, a tlhalosa fa tshwaragano ya matshego a mabedi e le botlhokwa fela thata mo thutong ya bana. O rotloeditse baithuti ba sekole seo go utlwa molao wa batsadi ba bone, le go tlotla barutabana ba bone gammogo le go boifa Modimo, a tlhalosa fa poifo Modimo e le tshimologo ya botlhale. A re ba tswelele ka go dira sentle le ko dithutong tsa bone tse dikgolwane. Le fa go ntse jalo Rre Koolese a re lephata la thuto le itemogetse dikgwetlho tsa ditagi mo dikoleng tse di dirang gore bana ba felele ba tlhokela batsadi le barutabana botho. A re batsadi le barutabana ba ka dira tiro ya bone mme go tswa mo ngwaneng gore a o batla go ithuta. A re ditagi tse di dira gore bana ba seka ba tsaya thuto ya bone ka tlhwaafalo mme ba felele ba sa dire sentle mo ditlhatlhobong tsa dikole tse dikgolwane. O supile batsadi ka monwana a re ke bone ba ba rekisetsang bana dinotagi le ditagi tse dingwe, a re ka go dira jalo ba bolaya setshaba ka gore bana ba ke bone babusi ba kamoso. A re thuto ke nngwe ya mananeo a puso e a dirisang go lwantsha lehuma, a re ga a eletse go bona ngwana ope a ntse mo lapeng ntateng ya go sa dira sentle kwa sekoleng. Fa a tswa la gagwe mogokgo wa sekole sa Mhalapitsa Rre Cecil Ntshingane o lebogetse kemonokeng e a e fiwang ke batsadi le barutabana, a re ke bone ba tsisang maduo a mantle mo sekoleng sa gagwe. A re go botlhokwa go tswelela ba dira bontle mme ba seka ba wela tlase. O lebogetse barutabana ba gagwe a re ba bereka ka lorato le boineelo, a tlhalosa fa a na le barutabana ba ba tlhaga. A re go botlhokwa gore bana ba dire sentle go simolola fela ka lekwalo la ntlha. A re maduo a mantle a a nnile teng gape ka gore sekole se rotloetsa bana go bala. Fa a tswa la gagwe mokhanselara wa kgaolwana ya Pilikwe, Mhalapitsa, Maape Rre Gadialala Moinami o akotse sekole seo mme a kopa ba lephata la thuto go rotloetsa dikompone go itseela sekole se ka lenaneo la Itseele Sekole. BOKHUTLO education 4 Dialogane di tlaa thusiwa Mothusa tona wa lephata la thuto le tlhabololo dikitso, Rre Kgotla Autlwetse a re puso e tsweletse ka go tla ka maano a go thusa dialogane tse di mo mekgwatheng. Fa a bua kwa kgotleng ya Leina kwa Serowe ka Labobedi,Rre Autlwetse o tlhalositse fa mangwe maano a, e le go isa dialogane tsa dikolo tsa ithutelo ditiro tse di sa berekeng kwa dikolong gape go oketsa dithuto tsa bone gore ba kgone go bona ditiro le go itlhamela ditiro. “Ba ba berekang ba seka ba nna le tsholofelo ya gore re tlaa ba isa sekoleng go ikoketsa dithuto, bone ba ikoketse ka maranyane a tlhaeletsanyo (online learning) le go ikgolagaya le ba bo BOCODOL,” Rre Autlwetse a tlhalosetsa phuthego. “Motho yo o mo ofising le yo o sa berekeng, yo o tshwanetseng go okediwa dithuto ke ofe?” Mothusa tona o tlhalositse gape fa puso e tshwenyegile thata ka banana ba ba feditseng lekwalo le legolwane la boraro le la botlhano ba ba gobenyang mo mebileng. A re ka bana bao ba fetsa dikwalo tseo ka bontsi le ka ntata ya itsholelo e e kwa tlase, bana ba le bantsi ba saila mo mekgwatheng ka ba ka seke ba ye kwa dikoleng tsa ithutelo ditiro botlhe. Mothusa tona a re puso e boloditse letsholo la go dira dipatlisiso tsa gore ba ka thusiwa jang. Mo godimo ga moo, Rre Autlwetse a re puso e tshwenyegile thata ka kwelo tlase ya maduo mo dikoleng ntswa puso e tsweletse ka go tshela madi madi mo thutong e tlhwatlhwa ya yone e golang ngwaga le ngwaga. “Fa thuto e ka tswelela e tura jaana, ditswa mmung tse Botswana e ikaegileng ka tsone di fokotsega a puso e ka kgona ka go ruta Batswana.” Go tokafatsa thuto, a re puso e tlaa tshweledisa lenaneo la thuto ya bana ba ba botlana (preschool) mo dikoleng e e simolotseng ka 2012. A re mo nakong eno dikole tse di nang le thuto ya bana ba ba botlana di 222 mme maikaelelo ke gore ka ngwaga wa 2018 dikole tsotlhe tse di potlana di bo di na le thuto e. Rre Autlwetse a re fa thuto ya bana e nna mo dikoleng tsotlhe go raya koketsego ya matlwana a borutelo, barutabana le boroko jwa bone, dilo tse a reng e santse e le kgwetlho mo nakong ya gompieno. Ka jalo a re puso e tsweletse ka go kopa setshaba ka kakaretso go tsaya karolo mo thutong ya Botswana (Public-private partnership). O ne a supa fa ba sekolo sa BAISAGO college ba setse ka tsentse letsogo kwa Sekoleng sa ithutelo borutabana sa Serowe College of Education. A re ba New Era College ba solofeditse go thusa dikole tsa tiro ya diatla kwa Kanye. O ne a tlhalosa gore puso e tsweletse ka go tokafatsa thuto ya dikole tsa ithutelo ditiro tsa diatla e a reng batho bangwe ba santse ba e lebela kwa tlase. A re ba batla gore dialogane tsa yone di melediwe mathe, a re bo maitseanape ba ba sekasekang thuto ya tsone ba sekaseka gape gore a go a tlhokafala gore go fetolwe leina la tsone ka gongwe le na le seabe. education 4 Morui o tlhaba ba bangwe podi matseba Letlhoko la dipula le mogote o o feteletseng di pateletsa barui go dira bojotlhe gore leruo la bone le seka la nyelela. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Onkamogetse Poitshego yo e leng morui kwa Bobonong a re le ntswa letlhoko la dipula le ile magoletsa monongwaga barui ba tshwanetse go sekaseka methale e ba ka e dirisang go sireletsa leruo la bone kgatlhanong le leuba le le simololang go gakala. Rre Poitshego o supile fa lefatshe le simolotse go omelela le go setlhafala ka jalo a gwetlha barui go rekela leruo la bone dijo gore le seka la nyelediwa ke leuba. O kaile fa letlhaka la temo ya ngwaga o o fetileng le kgona go silwa le ba le tswakanngwa le letswai go direla leruo dijo. Rre Poitshego o gwetlhile batho ba ba nang le masimo le didiba go lema bojang ja Lablab ka leruo le e rata. O tsweletse a tlhalosa fa dihutshane tsone di kgona go itsetsepela ka nako ya leuba ka di ja matlhare. A re leruo fa le sa bone dijo le metsi ga le nne le boitekanelo sentle. Rre Poitshego a re fa mogote o o feteletseng le one o kgona go bolaya leruo. A re fa mogote o le montsi leruo ga le kgone go tsamaya kana go fula sentle ka jalo le felele le bolailwe ke tlala. Rre Poitshego o tsweletse ka go supa fa temo ya monongwaga e ka nna ya wela kwa tlase ka lebaka la letlhoko la dipula le le bakileng komelelo. O supile fa bontsi jwa balemi ba ditonki ba ka nna ba seke ba leme ka go bo go sena se ditonki di ka se jang e bile gape di bopame. society 9 Kgosi o akgola kereke Kereke ya Guta Ra Mwari e akgoletswe seabe sa yone mo go thuseng lefatshe leno go betla boitsholo jwa banana. Kgosi kwa lekgotleng la Setswana la kgaolwana ya Old Naledi mo Gaborone, Kgosi Arnold Somolekae, yo o neng a bula semmuso bokopano jwa banana ba kereke eo ka Matlhatso Phatwe 31, o kaile fa go le botlhokwa gore ba-na-le seabe botlhe ba tsenye letsogo mo go thuseng banana go ipetlela isago e ntle. Kgosi Somolekae o boletse fa dilo tse di fatlhang di akaretsa go nwa bojalwa phetelela ga mmogo le tiriso ya ditagi di tsweletse ka go faposa banana mo tseleng, ka jalo go le botlhokwa gore ba thusiwe ka gotlhe mo go ka kgonwang gore ba seka ba tswelela ka go wela ka lemena. O tlhalositse fa kereke e le nngwe ya ba-na-le seabe ba motia mo kgannyeng e, mme a iteela kereke ya Guta Ra Mwari legofi go bo e sa ipone tsapa mo go thuseng go aga banana ba lefatshe le. Fa a ntsha lefoko la kgothatso, mogolwane mo kerekeng eo, Rre Gasper Moyo o ne a gakolola banana ba Guta Ra Mwari go nna kutlo, segolo bogolo fa go tla mo thutong ya lefoko la Modimo. Rre Moyo o boletse fa go tshegetsa ditaelo tsa Modimo go le botlhokwa ka jaana go thusa batho go tila go ka iphitlhela ba tsamaya mo ditseleng tsa tshokamo. O supile fa go utlwa le go sala morago mantswe a Modimo e le seikokotlelo sa botlhokwa se banana ba tshwanetseng ba ikaega ka sone mo nakong eno e lefatshe le tletseng tobekano. Fa a rola maikaelelo a bokopano joo, mongwe wa bagogi ba banana ba kereke ya Guta Ra Mwari, Mme Lillian Kelebemang o ne a tlhalosa fa bokopano joo bo tshwerwe go fa banana ba kereke sebaka sa go rutwa ka fa se se solofelwang mo go bone jaaka maloko a kereke eo. O ne a supa gape fa mo bokopanong joo, banana ba tlaa fiwa melaetsa e e farologanyeng e akaretsa kgolo ya bana, bodiphatsa jwa tiriso nnotagi le ditagi tse dingwe, tiriso e e lolamemng ya madi ga mmogo le kamano le batho ba ditumelo di sele. Bokopano joo, jo bo neng bo sa tshologelwa mo go kalo, bo ne bo tsenwe ke banana go tswa mo diphuthegong di le mmalwa tsa Guta Ra Mwari go tswa mo Botswana, Afrika Borwa le Zimbabwe. religion_and_belief 8 Tautona Masire o ba roba dikgopo kwa kgotleng Kgwedi ya Seetebosigo e maruru e ka re serame sa teng se fetlhwa golo gongwe. Moso wa Labone beke e e fetileng ya bo e le o o tsididi thata go le letobo difatlhego tsa bangwe di tlhontse fa ba feta fa pele ga Palamente morago ga tatolo ya ga tautona wa pele wa lefatshe leno Rre Ketumile Masire. Folaga ya fatshe leno ya bo e sa palamela ko makaleng-kaleng jaaka gale go lebega sentle gore o iketse mmabatho. Bangwe ba nna ba akabala motho a feta a sisibetse. E re ka a bolelwa a ne a le sethakga sa puo ka go ne go sena potso epe e e mo palelang mo kgotleng mmegadikgang wa BOPA Calviniah Kgautlhe o tsene mo metlobong ya seromamowa sa Botswana ya bogologolo le metswedi ya dikgang go supa ka fa a neng a tle a arabe ka teng mo diphuthegong tsa kgotla. Fa a araba rre mongwe wa Makunda yo a neng a botsa gore tsela e tlaa dirwa leng Rre Masire o ne a mo araba jaana, “Tsela ya Ghanzi rra yone kana maloba ke utlwile ka fa Rre Jankie a neng a tsositse dithole ka teng ke sa mmuele puo e e botlhaswa ke raya gore o ne a besitse lonao mo isong. Mme ga a kake a re hela fa a re go nne tsela ya bo e nna jaaka ya mo dinaaneng. Ke gore e baakanyediwe ke bomaitseanape ba tlhatlhobe mebu pele. Mme go tlaa tsaya dingwaga, ga se mo go tlaa tsayang letsatsi kana beke kana malatsi ampo kgwedi.” Ya re nako nngwe a buisa kgotla ko Kalakamati ka dingwaga tsa bo 1983 a bodiwa ke rre mongwe mo kgotleng ka kago ya tsela ya Ramokgwebana e e neng e sa bolo go nna lobaka e sa dirwa a araba jaana, “Tsela ya go tswa Sebina go ya Ramokgwebana e tlaa tshasiwa mosidinyana gore e seka ya nna tsela e e dithole. Mme jaanong betsho ga ke re ke tlogela dikatakata mo tseleng mme fela di etla le ka nna mo tsholofelong,” morafe wa bo o tshela legofi. E ntse e le ko Kalakamati rre mongwe a tsapoga a botsa gore terata ya molelwane o o kgaoganyang Zimbabwe le Botswana e agwa leng. Mme ya re e fetola tautona ya re, “Molelwane o wa rona le maZimbabwe lo itse fa re na le mathata fa e sale Ian Smith a tsaya puso ka dikgoka. Mathata a re ne re a solofetse gore a tlaa fela. Re na le mathata a batho ba ba tlang ba tshaba ntwa ka kwa. Ga re batle gore e re re le ko Gaborone re bo re utlwa gore masole a Zimbabwe a a le hena-hena mo. Motho fa a re wa rwalela a bo a phorongwa ke masole a ga Smith gotwe a bolele gore batho ba fitlhwa fa kae.” Fa a buisa phuthego kwa Ncojane ka dinako tsele fa mafatshe a borwa jwa Aferika a neng a aperwe ke dipheretlhego morago ga go gana go baya monwana tumalano ya Nkomati e e neng ya dumalanwa ke Samora Machel wa Mozambique le Peter Botha wa South Africa a ya go tlholosetsa Batswana ko kgotleng mangwe a mabaka a gore ke eng Botswana e sa dumalana. “E sale re sa dumalane le Nkomati re ntse re na le mathata ruri. Suid Afrika e ne e re re dumalane gore ga nke re lwa. Tota jang? A motho o ka go hitlhela fela a bo a re o dumalane gore ga o kake wa mo lwantsha. Ba ne ba re re rupisa batshabi gore ba tle ba ba tlhasele kwa ga bone. Ra ba botsa gore lo a bone kae marupisetso a teng?” Ka nako ya dipolao tsa marato di ile mogoletsa ya re a buisa phuthego mo motseng mongwe a re, “Dilo tsa malatsi a o bona wa mosimane a tlhaba wa mosetsanyana ka selo se se bogale a sa itse gore pharologanyo fa gare ga legapu le motho ke eng.” “Mme mongwe ko Manyana a raya tautona a re tautona bana ba rona ga ba utlwe ba a itaola. Mme e rile a mo araba a re, “heelang ke na le ngwana wa mosimane o bidiwa Mpho o mpaletse ga nkake ka tla go itira motlhokomedi wa malwapa a lona.” Kwa motseng mongwe wa Gangwaketse mosetsana mongwe a ema a re “Tautona ke tshotse ngwana le motho mme ga a nthuse.” Ya re a araba a re, “Tota wena o ineelelang matlhogojane o ntse o itse gore ga a kake a kgona.” Ya re motlha mongwe ka ngwaga ole wa 1985 Tautona Masire a buisa phuthego ya kgotla ko Charleshill a re “Re sale e re go tsaya boipuso ra nna mo mathateng. Batswana ba tle ba re, re nna fa gare ga naka tsa nare re apeela thukhwi le mala ka ntata ya gore go ne go sena kagisano mo mafatsheng a re bapileng nao.” Ya re motlha mongwe Tautona Masire a buisa phuthego ya kgotla kwa Gaborone bokone le borwa ka nako tsele tsa bo 1984 bangwe ba leka go mmuisa tsa sepolotiki a gana a ba tlhalosetsa fa kgotla e se fa go buelwang sepolotiki teng. “Kgotla ke batho ba phuthegile ga se fa go epetsweng legata la motho teng. BOKHUTLO society 9 Kgosi Radipitse o akgolelwa botlhaga Letsatsi la Labotlhano wa beke e e fitileng e tlaa nna lengwe la ditso tsa Bakhurutshi ba Tonota jaaka ba ne ba phophoma ka boitumelo go laela Kgosi Ramosinyi Radipitse gammogo le go amogela Kgosi Bokamoso Radipitse go nna moeteledipele wa bone yo mosha. Kgotla e ne e tletse thii! Go utlwala dipina, maboko, megolokwane le melodi go supa boitumelo, fa kgotla yone e ne e kganya ka mebala ya lefatshe leno ya botala jwa loapi, bosweu le bontsho. Dibui ka go farologana di supile fa Kgosi Radipitse e ne e le moeteledipele wa tlhwatlhwa mo tshabeng ya Botswana. Kgosi Radipitse go etelela morafe wa Bakhurutshi ka 1988. O tlhalosa fa go tlhomamisiwa gaga Kgosi Radipitse go ne go dirilwe ka tsamaiso le therisanyo e e lolameng ke Bakhurutshi fa ba ne ba lemoga gore Kgosi yo o neng a ntse a ba busa ka nako eo Kgosi Bobe Tshipane o ne a setse a godile a tlhoka yo o ka mo tlhatlhamang. Kgosi Kgamane o pakile fa mo dingwageng tse di masome mabedi le bosupa Kgosi Radipitse a le mo setilong sa bogosi jwa Bakhurutshi, a berekile le ene sentle ka tshwaragano, kagiso, therisanyo le thokgamo go fitlhelela ka jeno. O tlhalosa fa Kgosi Radipitse e ne e le motho yo o ratang tiro ya gagwe ka pelo yotlhe ka a ne a e dira ka manontlhotlho, bonatla, botswapelo gammogo le ka matsetseleko. O ne a sa kgetholole ope a tsaya batho ka tekatekanyo,” Kgosi a tlhalosa, a tlatsa ka go re go busa moo ga ga Kgosi Radipitse go nnile le seabe se segolo mo go bopaganyeng morafe go nna seopo sengwe. O supile fa boeteledipele jo Kgosi Radipitse a bo supileng mo setshabeng ka kakaretso e ne e le go rotloetsa le go tshegetsa serodumo sa puso ya lefatshe leno ya batho ka batho, puso ya kagiso, thokgamo le therisanyo e a tlhalositseng fa e melediwa mathe ke baditshaba. Fa a tswa la gagwe, mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso le ene o ne a paka fa Kgosi Radipitse e ne e le moeteledipele yo o nang le boikanyego mo matshelong a Batswana ka kakaretso. Mothusa tona o tlhalositse fa boeteledipele jwa ga Kgosi Radipitse bo nnile le seabe se segolo mo go tlotlomatseng Bakhurutshe, mme e bile Kgosi Radipitse a diretse morafe wa gagwe ditiro le ditlhabololo, segolo bogolo ka fa tlase ga lephata la gagwe. O bile a fa sekai ka kago ya leobo la Tonota gareng ga ditlhabololo tse dingwe, a re leobo leo le agilwe ka mowa wa boithaopo le boipelego ka thotloetso le kemo nokeng ya Kgosi. Mme Tshireletso o lebogile go menagane thulaganyo ya Bakhurutshi ya go tlhoma kgosi. A re go bo Kgosi Radipitse a dirile tsamaiso le thulaganyo ya bogosi jwa Bakhurutshi go tlhopha morwawe le morafe o dumelana ka bongwe jwa pelo ke tsela e e faphegileng e lephata le e akgolang. O tlhalositse fa lephata la gagwe jaaka e le lone le lebaneng le tsa bogosi, ba aga ba tshwere phage ka mangana mo dikgaolong tse dingwe go rarabolola dikgang tsa bogosi ka bo lwelwa. Mothusa tona o ikuetse mo merafeng go tsaya malebela mo Bakhurutshing go tila dikgogakgogano tse di ka nnang teng tsa go tlhopha baeteledipele ba merafe. O boletse fa dikgogakgogano tsa go tlhopha magosi di na le seabe se segolo mo go busetseng kwa morago ditlhabololo le ditiro tsa puso. Mopalamente wa kgaolo yo gape e leng tona wa tlhabololo banana, metshameko le ngwao, Rre Thapelo Olopeng o pakile fa Kgosi Radipitse a ne a nonofile e bile a dirile go le gontsi go isa motse kwa mankalengkaleng mo ditlhabololong. Rre Olopeng o tlhalositse fa Kgosi Radipitse a tshwaragantse Bakhurutshi a ba agile go nna morafe o o dirisanyang ka dinako tsotlhe ka kagiso le therisano. A re o motlotlo ka bone mme e bile o leboga kemo nokeng e ba neng ba e mo e neela le dikgakololo tse ba di mo fileng go busa. Kgosi Radipitse o supile fa a le se a leng sone ka thotloetso ya morafe mme e bile a eletsa gore ba tswelele ba supe thotloetso eo mo go morwawe, Kgosi Bokamoso Radipitse gore a tle le ene a kgone go dira tiro ya gagwe ka manontlhotlho. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Dirisang mananeo -Tona kgathi Tona wa itshireletso, molao le thokgamo e bile ele mopalamente wa Bobirwa, Rre Shaw Kgathi a re kgaolo eo e tlhokana le go tlhabololwa ka jalo o kopa dikgakololo tse di ka thusang go isa kgaolo kwa godimo. E rile a buisa badiri ba ba tswang mo maphateng ka go farologana kwa Bobonong bosheng, a kopa gore mananeo otlhe a atlegileng a dirwe go na le go busa madi fa ngwaga o wela. A re le ntswa setshaba se batla dipolane tsa bone di atlega, badirela puso bone ga ba bereke ka mashetla go se thusa. A re kgaolo eo e lebanwe ke dikgwetlho di akaretsa go sa nna mo seemong se se siameng ga ditsela, jalo a rotloetsa ba ba lebaneng go thiba diphatlha tse di fitlhelwang mo di tseleng tseo. O tswele a tlhalosa gore ba ba baakanyang ditsela tse di senyegileng ba re go tsaya ngwaga gore di dirwe mme madi a le teng, a supa fa tsela ya Tsetsebye/Sefhophe e na le ditlhare mme di sa rengwe fa ya Mabolwe yone e sena disaene mo go yone. A re kgang kgolo e nngwe ke selelo sa batsadi gore ba nna nako e telele ba letetse thuso kwa kokelong, fa go nale kwelo tlase ya maduo a bana ba dikole tse dipotlana le tse dikgolwane e a reng e tshwenya fela thata, jalo a rotloetsa batsadi go emela thuto ya bana ba bone ka dinao ka ke bone bokamoso jwa lefatshe leno. Fa a itebaganya le tsa temo, o tlhalositse fa diterekere di le makgolo a mabedi le masome a mararo le boferabobedi mme mo teng ga palo eo tse thataro ele tsa puso. O boletse fa go na le thulaganyo e e dirilweng mabapi le theko ya leruo le tshwana le dikgomo gore di tla rekwa mo dikgaolong tsa bone ke ba BMC jalo a ba rotloetsa go rekisa ka dipalo tse di kwa godimo go na le gore di tle go bolawa ke mopalo. BOKHUTLO politics 7 Monna o ikgapetse botshelo Mapodise a tlhotlhomisa leso la monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mane le bongwe, wa kgotla ya Phase 1 kwa Letlhakane, yo o ikgapetseng botshelo ka go ikaletsa. Detective Assistant Superintendent Lesego Ndebele, o supile fa moswi a tlholega kwa Serowe A re go lebega go ne ga nna le dikgotlhang magareng ga moswi le mokapelo wa gagwe mo nakong e e fetileng mme mo nakong eno gone go lebega tsotlhe di apere tshiamo morago ga go buisana le go itshwarelana mo diphosong tse ba neng ba di dirile. Rre Ndebele a re go supa fa e rile kgwedi ya Tlhakole e le lesome le bofera bongwe moswi a bo a tsena ka lenga la seloko, mme a iponatsa mo lwapeng morago ga malatsi a le marataro go sena ope yo o neng a itse kwa a neng a ile teng. Ditlhotlhomiso tsa mapodise di supa fa mo mosong wa letsatsi la tiragalo mme yo o neng a nna le moswi, jaaka e ne e le baratani, a ne a laela mokapelo wa gagwe a ya go ipaakanya moriri mme e ne ya re a boa, fa nako e tsamaela kwa go lesome le bobedi motshegare a gakgamadiwa ke go fitlhela moratiwa wa gagwe a akgega mo marulelong a ntlo, a tlogetse molaetsa o o supang gore o na le mathata mo lelwapeng la gagwe. Mabapi le dikgang tsa baratani, Rre Ndebele a re o kgothatsa baratani gore fa ba na le mathata mo loratong lwa bone, ba kope dikgakololo mo go ba ba tshwanetseng jaaka ba boipelego, ba sepodise, bagolo le bo mmakaseterata ka gore se se ka thusa go fokotsa dikgang tsa go ikgapela botshelo. O supile fa ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse mme maina a moswi a lobilwe go fitlha ba masika ba itsisiwa. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Ipelegeng e kgoreletsa temo - dikgosi Magosi a kgaolo ya Shoshong a re, le fa a itumelela lenaneo la ISPAAD, a tshwenngwa ke gore puso jaanong e phutlhamisa maduo a lenaneo leo ka go thapa batho mo Ipelegeng ka dinako tsa temo. Ba boletse seo mo phuthegong e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo eo, Rre Phillip Makgalemele. Ba re lefa Batswana bangwe ba itshetsa ka go bereka mo Ipelegeng, puso e tshwanetse go emisa lenaneo leo ka dipaka tsa temo gore batho ba kgone go ya go bereka kwa masimong. Ba re, e re le ntswa puso e lela ka tlhaelo ya madi le go phutlhama ga itsholelo, ba gakgamadiwa ke go bona e tsweletse ka go thapa batho mo Ipelegeng ka nako ya temo ntswa batho bao e le bone ba tshwanetseng go bereka mo masimong ka jaana temo e le yone e ka inolang Batswana mo lehumeng ka go ntsha dijo tse di lekaneng. Ba boleletse mopalamente gore batho bangwe ba ba thusitsweng ka lenaneo la ISPAAD jaanong ba phuagantse masimo go ya go bereka mo Ipelegeng le mororo puso e dirisitse madi a setshaba go ba lemela. Mo dikgannyeng tse dingwe, ba kgadile koporase ya metsi ya Water Utilities, e ba reng fa e sale e neelwa boikarabelo jwa go siela metse ya magae le ditoropo metsi, jaanong setshaba se simolotse go tshelela mo kgobedung ntateng ya letlhoko la metsi. Kgosi Kgotlayame Mphoyakgosi, o boletse fa banni ba motse wa Tobela le ba dikgotlana dingwe mo Shoshong jaanong ba simolotse go dirisa metsi a didiba tse di neng di tswetswe ka taelo ya ba lephata la botsogo ntateng ya go kgotlelesega ga metsi a didiba tseo. Kgosi Mphoyakgosi o rile go nwa metsi a a kgotlelesegileng go baya matshelo a batho mo diphatseng, mme a supa fa seemo se ka nna botoka fa koporase ya Water Utilities e ka gokela didiba tsa Makale, Palamaokue le Samaka go nosa batho ba Shoshong ba mo nakong eno ba sielwang metsi go tswa kwa Mahalapye. E rile Rre Makgalemele a tsibogela dingongorego tsa bone, a tlhalosa fa lephata la meepo, kgotetso le metsi le abetswe seabe se segolwane mo ngwageng wa kgaoganyo madi a setshaba wa 2014/15 gore ba kgone go atolosa lekadiba la peelo ya metsi kwa Mahalapye le go tokafatsa seemo sa kanamiso ya metsi kwa metseng ya Shoshong, Mmutlane, Bonwapitse le Kalamare. Mabapi le lenaneo la ISPAAD, o boletse fa a tlaa lekodisa tona wa lephata leo Rre Christaan De Graaf le mothusi wa gagwe Rre Oreeditse Molebatsi, go bona ka fa seemo se ka tokafadiwang ka teng gore lenaneo la Ipelegeng le seka la gotlhagotlhana le dipaka tsa temo. BOKHUTLO society 9 Mokgosinyane o ora wa mariga Mme 
Khumoetsile Mokgosinyane wa kgotla ya Mokgosi mo Kanye o akgola mogopolo wa ga
Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama wa go ntsha mananeo go namola Batswana
 mo lehumeng la nta ya tlhogo. Mme Mokgosinyane, yo e leng 
mongwe wa Batswana ba ba akotseng lenaneo la nyeletso lehuma o boleletse 
lekalana la dikgang la BOPA fa a ne a kopa a ba a fiwa lenaneo la go dira
 moriri ka ngwaga wa 2013. Mme Mokgosinyane yo o 
dirileng mophato wa boraro kwa sekoleng se segolwane sa Bathoen mo Kanye are fa e
sale kopo ya gagwe e atlega ga a sa tlhole a tshelela mo lehumeng jaaka pele. A
re o ne a fiwa didirisiwa tsa go dira moriri ka go farologana. O tlhaloseditse BOPA gore o
ne a isiwa sekoleng ke puso kwa Ramatea Vocational Training dibeke tse thataro.
 O buile gore dithuto tse a di filweng di tsisitse pharologanyo ka jaanong
a itse go dira meriri ka mefuta. Mme Mokgosinyane yo o
dingwaga tse di masome mabedi le bosupa, o buile a sa kgale mathe ka tiro e
ntle e e dirilweng ke puso. A re gompieno botshelo jwa gagwe bo fetogile fela
thata fa go tshwangtshanngwa le pele a fiwa lenaneo. O tlhalositse gore le fa
dipoelo e se tse a neng a di solofetse, o kgona go dira sengwe sa botlhokwa
ka matsana a a a bonang. A re o dirisa dipoelo go thusa mo lwapeng le go duelela 
ngwana wa gagwe sekolo fa bontlha bongwe jwa dipoelo bo ya kwa polokelong. A re gompieno o na le seriti 
ka jaana o na le polokelo ya banka jaaka batho ba bangwe. O kaile fa kgwebo ya gagwe e
kopana le dikgwetlho di le mmalwa nngwe ya tsone e leng paka ya mariga ka batho
ba sa dire meriri thata ka paka ya mariga. A re kgwetlho e nngwe ke go 
tlhoka boammaaruri mo bangweng bareki ba gagwe ba ba tsayang sekoloto mme 
morago ba seke ba duele jaaka e le tumalano; selo se a reng se tlhaetsa madi a
go tsamaisa kgwebo. Mme Mokgosinyane o rotloetsa
 banana jaaka ene go kopa mananeo a nyeletso lehuma ka e le a Motswana mongwe le 
mongwe.O ne a gatelela gore banana
 ba itshephe e bile gape ba dumele gore ba ka kgona. BOKHUTLO society 9 Go ikgatholosa ngwana ke molato o o motona Mmaboipelego wa khansele ya Lobatse, Mme Mpho Keikopele, a re go ikgatholosa ngwana ke molato o motho a ka o isediwang kwa kgolegelong. O buile se kwa phuthegong ya bo mmaboipelego le batlhokomedi ba bana ba ba ka fa tlase ga tlhokomelo ya bo mmaboipelego, e e neng e tshwaretswe kwa Lobatse bosheng. Mme Keikopele a re go ikgatholosa ngwana go mefuta e e farologaneng. A re batsadi ba ngwana ba kgona go mo phuaganya le ba masika ba sa mo tlhokomele. A re fa go ntse jalo yo o setseng le ngwana o na le tshwanelo ya go itshwaraganya le mapodisi le ba boipelego. A re motsadi yo o phuagantseng ngwana fa a bonwa molato o ka atlholwa madi aa kanang ka dikete tse tlhano tsa dipula kgotsa kgolegelo. A re tlhokomelo ya ngwana ga e reye fela go mo rekela diaparo le dijo le go mo fa bonno mme gape e raya go mo fa kaelo le maele a botshelo. Mme Keikopele o kaile fa motsadi a na le boikarabelo jwa go sireletsa ngwana a tlatsa ka gore go berekisa ngwana ditiro tse di bokete ga se selo se se letlelesegang mo molaong. A re ngwana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya thuto. Mme Gadifele Sebitla, yo le ene e leng mmaboipelego, o boletse fa batsadi ba ba sa tlholeng ba le mmogo ba tshwanetse go dira tumalano ya mokwalo gore ba ya go tlhokomela ngwana jang mme e re ba sena go dira mokwalo ba o ise kwa go mmaboipelego. A re mmaboipelego o tla a bo a isa pego kwa ofising ya ga mmakaseterata mme batsadi ka bobedi ba tla a bo ba tlamega go sala tumalano eo morago e akaretsang malatsi le dinako tse ngwana a ka yang kwa motsading yo mongwe ka tsone. Mme Sebitla o kaile gape go re fa ngwana a le dingwaga tse di lesome o na le tshwanelo ya go ipuelela gore o batla go etela motsadi o mongwe leng, a tlatsa ka gore go dumelwa gore ngwana yo o kalo o a bo a setse a kgona go tlhaloganya dilo ka bontsi. Mongwe wa batsena phutego eo, Rre Joseph Legodile o tlhalositse fa a tshwenngwa ke bo mme ba e reng ba tsena mo nyalong kgotsa mo loratong le lesha ba bo ba tsaya bana ba ba fitlhetsweng ka bone ka letsogo la molema. A re bo mme ba go nna jalo ba ikgatolosa bana ba leka go itumedisa balekane ba bone ba basha e le tsela ya go tiisa lorato la bone. society 9 Nyeletso lehuma e botlhokwa Mogolwane wa lenaneo la nyeletso lehuma kwa Kgatleng o rotloeditse badirisi ba lenaneo le go itsaya tsia gore ba atlege. Mme Khutsafalo Mogotsi, yo e leng ene mogokaganyi wa nyeletso lehuma mo kgaolong ya Kgatleng, o buile jaana kwa letsatsing la bagwebi ba nyeletso lehuma bosheng. Mme Mogotsi o rotloeditse botlhe ba ba amogetseng dithuso go tshwaragana gore ba kgone go tswelela pele. A re maikaelelo a matona a letsatsi le ke go supa se bagwebi ba se tshotseng le go ipapatsa. O tlhalositse fa go tshwaragana ga ba ba amuleng lenaneo go ka ba thusa go godisa dikgwebo tsa bone, e bile gape puso e tsere tshwetso ya gore maphata otlhe a yone a lebe dikgwebo tse pele fa a batla go reka dithoto le ditirelo. A re go amogana dikgakololo ka tsa kgwebo go ka ntsha maduo a a sa kgoneng go ntshiwa ke motho a le esi, e bile gape re lebile gore go batlega dithotho tsa boleng jo bo rileng. Mme Mogotsi a re Batswana ba tshwanetse go itse fa lenaneo e se la puso e le la bone, ka jalo ba tlamega go tsaya karolo le go dira ka tlhoafalo. A re bangwe ba tsaya lenaneo mme ba seke ba tlhokomele tse ba di filweng kana go ikgodisa ba emetse puso gore e ba thuse ka sengwe le sengwe. “Mo Kgatleng, re na le batho ba le 1 203 ba ba abetsweng mananeo a nyeletso lehuma, mme ba le 887 ke bone fela ba ba dirang sengwe ka mananeo a. Ba le 287 ga ba dire sepe mme ba le 29 go timile tshoo-tshoo,” a rialo Mme Mogotsi. O tlhalositse fa lenaneo le thusa botlhe mme ba ba sa kgoneng ba tshwanetse go tsaya malebela le go kopa dithuso mo go ba ba kgonneng gore ba kgone go itirela, mme e bile mananeo a nyeletso lehuma a okeditswe go tswa mo go 45 ka jaanong a akaretsa mananeo a a batlang digopana tsa batho go a dira. “Re na le metshine e e dirang melora, dikausu le mae,” a rialo Mme Mogotsi, a supa gore mananeo a a tlhoka ditlhopha tsa batho go a dira. Mme Mogotsi a re ba dikgwebo di tshwana le tsa borotho, dikoko le mae ba ka tshwaragana mme ba ikopanya le dikole gore ba kgone go ba rekisetsa dijo ka lenaneo la go ja sentle le simolotse mo dikoleng tse dipotlana. A re Batswana ba tshwanetse go itirela ka diatla gore ba akole maduo sentle, mme se se ka diragala fela fa bagwebi ba itsaya tsia e bile ba le tlhaga. Mme Mogotsi a re puso ya Botswana ga e eletse go bona Batswana ba supula mo lehumeng la nta e tshetlha. Gore o atlege o tshwanetse go tshwara nako, o bee dibuka tsa kgwebo mme le le bagwebi ba nyeletso lehuma le tshwanetse go tlhoafalela go tokofatsa matshelo a lona le malapa a lona,” a tshwaela Mme Mogotsi. Moemedi wa First National Bank Botswana Rre Lefika Ramooka o kopile bagwebi go kwadisa dikgebo tsa bone ka fa tshwanelong gore ba tle ba kgone go akola dithuso tsa banka. A re polokelo ya bone e fa bagwebi dithuto ka go boloka madi ba sa ba duedise ka ba ba eleletsa tse dintle. Rre Ramooka a re go boloka madi go botlhokwa ka a kgona go dirisiwa fa kgwebo e aperwe ke dikgwetlho. O rotloeditse bagwebi botlhe go ema ka dinao go boloka madi a dikgwebo mme e bile ba sa a kopanye le a ba itebogang ka one ka ba ka seke ba kgone go a laola. Mme Prscilla Mosothoane, yo a neng a buelela monnawe yo o nang le bogole jwa puo, a re ba amule lenaneo le ka 2016 ka dikoko tsa mae di le 50. Mme a re go feleng ga ngwaga ba rekisa dingwe ba sala ka di le 26. “Ka 2018 re ne ra reka tse dingwe go di dira 50, mme ka go tlhoka lesego di ne tsa aswa fela tsotlhe,” a rialo Mme Mosothoane. A re ba ne ba reka 50 e nngwe gape ya dikoko monongwaga, mme ba setse ba bone dipoelo tsa lone. O supile fa ba rekisetsa sekole sengwe mae a le 800 ka beke mme a eletsa fa tirisanyo ya teng e ka bo e le ya ngwaga, e seng kgwedi fela. O rotloeditse Batswana ba bangwe go le dirisa. Mme Mosothoane a re o eletsa go ipona a phadisana le mabentlele a matona jaaka Choppies le Spar mo dinakong tse di tlang mme o dumela a le mo tseleng e e siameng. O rotloeditse bangwe ka ene gore ba seka ba kgobega marapo mme ba tswelele ka go rekisa dilwana tsa bone ka bopelotelele. A re o eletsa gore ba ka simolola mekgatlho ya bagwebi ba dikoko tsa mae go thusana. economy_business_and_finance 3 Bomme le bana ba jewa ntsoma Bomme, ba-na-le-bogole gammogo le bana ba amogiwa ditsha tsa bone ka go tshosediwa kana di gapiwa ka dikgoka. Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Tsokatshaa ka Labotlhano, tona wa ditsha le matlo, Rre Lebonaamang Mokalake o boletse fa bomme ba amogiwa ditsha tsa bonno, masimo, didiba le meraka morago ga go tlhokafalelwa ke banna ba bone. O tlhalositse fa go lemoga seo ba ne ba dira melawana e e sireletsang batho ba go nna jalo gore ditsha tsa bone di fetolwe kana di amoganwe morago ga dingwaga tse di lesome le botlhano. Tona o supile fa lephata la ditsha le matlo le lebanwe ke kgwetlho e tona ya tlhaelo ya lefatshe, ka jalo ba dule ka moono wa gore motho a nne le setsha se le sengwe fela go leka go somarela lefatshe le le teng. O tsweletse a bolela fa dipalo tsa batho di gola nako le nako mme lefatshe lone le eme golo go le gongwe fela, ka jalo fa le ka seka la babalelwa mo dingwageng tse di tlang le tla bo le fedile, jalo a gwetlha batho go le dirisa ka pabalelo. Rre Mokalake a re ke molato o motona go tlola tsamaiso le tiriso ya setsha se motho a se kopileng. A re gape le ba ba abetsweng ditsha ba sa di tlhabolole, ba bo ba tlola ditumalano tsa ba kabo ditsha, ka jalo a kopa ba ba sa kgoneng go tlhabolola ditsha tsa bone go di busetsa kwa lekgotleng la kabo ditsha. Banni ba lela ka tlhaelo ya lefatshe mo motseng wa bone, ba bolela fa ba dikaganyeditswe ke dipolase kwa bokone fa kwa bophirima e le diphologolo tsa naga gape go na le setlhare sa tshefi se se bolayang leruo la bone, fa ntlha e nngwe e le meraka. Mo pegong ya gagwe modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Ofolo Side o lebogetse palo e ba e filweng ya babereki ba Ipelegeng, a re lenaneo leo le ba tsiseditse ditiro mo motseng, mme o ikuetse mo go tona go isa matshwenyego a bone a tsela kwa go tona yo o maleba, a supa fa tsela eo e le lekgwarapana ka jalo e senya dikoloi. Tona Mokalake o tshepisitse banni fa a tla isa matshwenyego a bone kwa maphateng a a lebaneng society 9 Ba le babedi ba tlhokafetse Banna bangwe ba le babedi ba tlhokafetse kwa mafelong a a farologanyeng mo kgaolong ya Bobirwa. Mogolwane wa sepodise sa Botswana kwa Bobonong, Superintendent Wazha Mbikiwa o boletsemo puisanong fa monna mongwe a tlhokafaletse mo kokelong potlana ya Bobonong ka Labobedi morago gagore koloi e a neng a tsamaya ka yone le babangwe e thulane le e nngwe mo tseleng ya Lepokole/Bobonong bosheng. Rre Mbikiwa a re monna yoo o ne a na le ba bangwe ba babedi ba tsamaya ka koloi ya Toyota Hilux e e neng ya thulana le ya Dyna e e neng e na le bapalami ba le bane go balelwa mokgweetsi mme batho ba le babedi ba bona dikgobalo tse di potlana mo go ya hilux mme ba alafiwa ba bo ba gololwa, fa ba ba neng ba tsamaya ka Dyna bone ba le babedi ba bone dikgobalo tse di masisi. A re batho bao ba robaditswe kwa dikokelong tsa Nyangagwe le Mahalapye. Rre Mbikiwa o bolela fa mo tiragalong e nngwe go fitlhetswe setopo sa monna yo o dingwaga di masome mararo le borataro se akgega mo ntlong ya gagwe mo lelapeng la ga bone kwa kgotleng ya Mabeleng kwa Bobonong kgwedi e no e le lesome. A re go utlwala fa moswi a bonwe ke ba lelwapa la gagwe mosong wa letsatsi leomme ba ne ba begela mapodisi. A re setopo se letetse go tlhatlhobiwa ke dingaka kwa kokelong potlana ya Bobong, maina a baswi ka bobedi a sa ntse a lobilwe go fitlhelela go itsisiwe ba losika, mme ga ba ise ba itse se se ka tswang se bakile gore monna yo o ikaleditseng a ikgapele botshelo. Mo dikganyeng tse dingwe, Rre Mbikiwa a re ba tlhotlhomisa dikgang tsa thubetso di le pedi tse di diragetseng kwa mafelong a a farologaneng mo kgaolong e o. Ae ba tshegeditse monna mongwe yo o dingwaga di masome mabedi wa motse wa Lepokole yo go belaelwang a thubeditse mme wa dingwaga di le masome a mane le ene e le wa motse oo kgwedi eno e robabobedi. Are gape ba mo patlong ya monna mongwe yo go utlwalang a thubeditse mosetsana wa dingwaga di le lesome le bosupa kwa kgotleng ya Borotsi kwa Bobonong bosheng botlhe e le ba Bobonong. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Kgosi Vavani o a kgalema Kgosi Mbuso Vavani wa Maitengwe a re go ngomola pelo gore e re batho ba sena go abelwa dimpho, ba bo ba di rekisa kana go di ananya ka bojalwa. O buile jalo kwa moletlong wa go abela ba-na-le- bogole dimpho ke ba lephata la banana, metshameko le ngwao kwa Maitengwe Seetebosigo a le 24. A re fa batho ba aba dimpho jaana, ba abo ba leka go thusa batho go ba ntsha mo seemong se ba leng mo go sone gore le bone ba tshwane le batho ba bangwe. Kgosi Vavani a re mokgwa wa go amoga ba ba abetsweng dimpho go di itirisetsa ka ditsela tse di farologaneng go diga maikutlo a ba ba abang, a kopa batho go nna ba bega ope yo o nnang le mokgwa wa go nna jalo kwa baeteledingpele ba motse gore mokgwa oo o fedisiwe ka ponyo ya leitlho. O ile a leboga badiri ba lephata leo la banana, metshameko le ngwao go bo ba bone go tshwanela go abela banalebogole. A re dimpho tsa bone, di tlaa dira pharologanyo mo matshelong a bone, ba tlaa lemoga fa setshaba se kgathala ka matshelo a bone. O ne a galaletsa dimpho tseo, a re ba tswelele fela jalo ba thusa setshaba a bo a gatelela ka gore tlhabologo ya lefatshe ke fa go gatang badirelapuso teng. Modiri mo lephateng la banana, metshameko le ngwao kwa motlobong wa dibuka wa Maitengwe, Mme Nomsa Masimo a re o ne a gwetlhiwa ke go bona monalebogole mongwe mo motseng a tsamaya ka thata a sena kolotsana, ka jalo a senka ba ba ka mo tswang thuso gore a kgone go thusa motho wa go nna jalo. Mme Masimo o boletse fa a ne a kopa thuso kwa go ba mokgatlho wa Rotary go tswa kwa Gaborone, ba ba neng ba mo thusa ka dikolotsana tse tharo tse ba neng ba di abela bangwe ba ba banalebogole ba le bararo. O tsweletse a tlhalosa fa ba ile ba lemoga fa go sa lekana, ka jalo ba kopa thuso ya dikobo ka ba ne ba lebile fa serame sa monongwaga se le botlhoko thata mme ba Rotary ba ba abela dikobo di le lesome le borobabongwe, fa ba Women Institution go tswa kwa Francistown ba ne ba ba abela dikobo tse di masome mabedi le botlhano. society 9 Tautona o kgothatsa Batswana go kgathalelana Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama o kopile Batswana go nna le mowa wa kutlwelobotlhoko le bojammogo ka jaana e le setho sa Setswana. Tautona o buile se bosheng, mo leetong lwa gagwe kwa Ghanzi jaaka a ne a lekola bagodi le ba ba kobo dikhutshwane. A re Batswana ba tshwanetse ba thusa bagodi, dikhutsana, ba-na-le bogole le ba ba dikobo di magetleng. A re puso e rotloetsa gore Batswana ba ba nang le bokgoni ba thuse ba bangwe, a re seo ke botho jo a reng ke nngwe ya tse di agang Batswana gore e nne setshaba se se eletsegang ka go tshwaragana le go thusana. Tautona Khama o ne a itisa le bagodi a ba a lalela le bone. O ne gape a ba abela dimpho tse di akaretsang dikobo, dipone tse di dirisang marang a letsatsi le dibaebele tse a di abetseng lekgotla la dikereke mo Ghanzi. Botlhe ba ba segofaditsweng ka dimpho tse, e ne e le bagodi ba le makgolo mabedi, masome a mararo le bongwe go tswa mo metsaneng e e farologaneng ya kgaolo ya Ghanzi. Bokhutlo society 9 Masisi o akgola nyeletso lehuma Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o iteetse legofi lenaneo la Nyeletso Lehuma kwa ditshupong le kaloso ya ba ba thusitsweng ka lenaneo leo mo Gaborone ka Labotlhano. E rile fa a simolodisa semmuso ditshupo tseo a bolela fa puso e ikaelela go tokafatsa lenaneo go tlhomamisa gore ba ba thusitsweng ka lone ba fitlhelele mebaraka e megolo mo Afrika le lefatshe ka bophara. Tautona Masisi a re tumalano e lefatshe la Botswana le e beileng monwana ya African Free Trade Area e tlaa dira gore bagwebi ba mo gae go akarediwa le ba ba thusitsweng ka lenaneo la Nyeletso Lehuma ba nne le seabe mo go rekisetseng mebararaka ya batho ba le 1.3 billion ba ba mo mafatsheng a a dirileng tumalano eo. A re lenaneo la Nyeletso Lehuma ke maitlamo a magolo a puso go nyeletsa lehuma la nta e tshetlha mo Batswaneng ka kakaretso. “Re le puso re ne ra bona gore pharologanyo mo go ba ba kgonang le ba ba sa kgoneng e se ka ya nna e e tlontlololang, ka jalo ra thusa Batswana ba ba dikobo dikhutshwane gore ba kgone go itirela.” Tautona Masisi a re puso e ikaelela go atolosa lenaneo gore le kgone go akaretsa batho bangwe ba mo nakong eno ba sa kgoneng go le akola ka ntlha ya melawana le ditsamaiso tse di dirang gore bangwe ba tswalelwe kwa ntle, mme tota ba lebanwe ke go thusiwa. Lenaneo la Nyeletso Lehuma le simolodisitswe ka 2011, mme go fitlha jaana le nnile le dialogane di le 2 094 e le palo ya ba ba setseng ba itshupile, ka jaana lenaneo la go kwadisa ba ba alogileng le santse go tsweletse. Lenaneo le, le atlegile mo dikgwebong di le 26 000, mme tsa kgona go tlhama mebereko ya batho ba le 28 635, fa madi a a dirisitsweng e le P1.2 billion fa le sale le simolodisiwa ka 2011. Tautona o kopile puso, bagwebi le maphata a a ikemetseng gore ba reke dilwana le go dirisa ditirelo go rotloetsa bagwebi ba Nyeletso Lehuma gore ba kgone go tlhamela Batswana mebereko. Le fa go ntse jalo, Tautona Masisi o rotloeditse ba-na-le seabe mo lenaneong la Nyeletso Lehuma go netefatsa gore dikgwebo tsa bone ga di phutlhame ka go tsaya malebela mo go ba bangwe le go kopa bogakolodi kwa bodireding ga mmogo le go ipega fa dikgwebo di phutlhama. economy_business_and_finance 3 Toto ga a dumele fa go na le Bakgalagadi Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre John Toto o kgadile leina le le tlwaelesegileng la Bakgalagadi, a kaya fa go sena morafe o o bidiwang Bakgalagadi. O buile se kwa moletlong wa ngwao ya merafe e e farologaneng e nnang kwa Kgalagadi. Mopalamente o ne a tlhalosa fa leina Kgalagadi le raya kgaolo e e kgadileng ka jalo go sena morafe wa mofuta oo. Rre Toto o ne a supegetsa batsena moletlo o baemedi ba merafe e e agileng mo Kgalagadi ebong Batlhwaro, Barolong, Bangologa, Baherero, Bakgothu, Basarwa le Makhalate. Go supa gore ga gona puo ya Sekgalagadi, mopalamente o ne a kopa baemedi ba merafe eo go bua dipuo tsa bone tse di farologaneng mme ga fitlhelwa go sena puo ya Sekgalagadi mo go tsone. O ne a tlhalosa fa go a bo go akarediwa ka dipuo tse di tswa mo kgaolong e le nngwe, ya Kgalagadi. O ne a tswelela ka go gakolola merafe eo gore ba seka ba letlelela go bidiwa ka maina a merafe e e seng ya bone ka go ka tsala tlhakatlhano le go nyelela ga ditso le ngwao ya bone; a ba rotloetsa gore ba nne motlotlo ka ngwao le ditso tsa bone mme ba se kgobiwe marapo ke ka fa ba ka tswang ba kgalwa ke ba bangwe ka teng. Godimo ga moo, Rre Toto o ne leboga ba lephata la ngwao ka go bo ba rulagantse letsatsi le le atlegileng le. Le fa go ntse jalo, mopalamente o ne a gakolola lephata le gore mo isagong ba tokafatse moletlo o, ba lebagane le ngwao ya morafe o le mongwe, mme ere mo nakong e e tlang gape ba supe ngwao ya morafe o mongwe. A re se se ka thusa gore ngwao le ditso tsa merafe di itsiwe mo go tseneletseng e bile di tlhaloganngwe botoka go na le jaaka mo moletlong oo, ka go ne go sa itlhalose sentle, bogolo jang ka o ne o akaretsa dingwao tse di farologaneng. O ne a tlatsa ka gore fa go supiwa dingwao tse di farologaneng ka nako e le nngwe go kgona go tsisa kgotlhang gareng ga merafe, a fa sekai ka mmino wa morafe mongwe gore fa o kgatlhile batho o kgona go boelediwa thata go feta merafe e mengwe mme pheletsong go bo go sa itumedise merafe e mengwe; a tlhalosa fa go dira moletlo o o lebaganeng le ngwao ya morafe o le mongwe go ka hema dikgotlang tsa mofuta o. Mopalamente Toto o ne a leboga Kgosikgolo wa Barolong Kgosi Lotlamoreng wa bobedi go bo a file merafe e e farologaneng ya Kgalagadi Borwa mafoko a mantle a thotloetso ka tshomarelo ya ditso le ngwao. O ne gape a leboga le merafe e farologaneng ka maiteko a bone a go tla go supa ngwao tsa bone, a ba a ba kopa gore ba tswelele ba dire jalo le mo nako e e tlang. Bokhutlo society 9 Ba rotloediwa go ntsha leruo mo motseng Banni ba kgotla ya Maradung kwa Thamaga ba boleletswe fa molao o mosha wa khansele wa gore leruo le tswe fa gare ga metse e le molao o o tlhwaafetseng e bile ba tshwanetse go o obamela. E rile a buisa phuthego ya kgotla ka Labotlhano kwa kgotleng eo, mokhanselara wa kgaolo ya Thamaga Bokone, Rre Palelo Motaosane, a tlhalosa fa khansele ya Kweneng e ne ya tlhoma molawana oo morago ga gore banni ka bontsi ba lele ka leruo le le senyang jaaka go ja merogo mo ditshingwaneng. O ne a tlhalosa fa seo se ne se tsisa kgotlhang magareng ga morafe mme a tswelela a tlhalosa fa ba ba sa diragatseng molawana o, ba tlaa atlholwa madi a a kanang ka P5 000 kgotsa kgolegelo ya dingwaga tse pedi. O ne a tlhalosa gape gore masaka a a agilweng mo motseng a ntshiwe ka a sa tlhole a tlhokega. A re masaka a a tlaa salang mo gare ga metse ke a dikgotla fela mme e tlaa nna one a batho ba tlaa a dirisang fa ba nyadisa kgotsa ba na le mediro e mengwe. E rile morafe o akgela wa supa fa o itumelela molawana o ka o tlaa fokotsa dikgotlhang tse di tsisiwang ke leruo le le gobeyang mo motseng. Mongwe wa banni ba kgotla eo, Rre Moshe Motlhale o ne a supa fa go le molemo go gakolola ba ba sa iponatsang mo phuthegong go ba thusa gore ba seka ba welwa ke seru sa go atlholelwa go se ntshe leruo mo motseng. Le fa go ntse jalo mongwe wa banni, Rre Poifo Letlhaku o ne a supa fa a le sebete se molangwana ka molawana oo, a re go bo ba beile leruo la bone mo motseng ke go le tshabisa magodu kwa masimo le kwa morakeng. BOPA society 9 Ba kopiwe go tsaya komiti tsia Maloko a komiti ya diphathi tsa sepolotiki, maphata a puso le mekgatlho ka go farolagana (party liaison committee) ba kgaolo ya Nkange ba kopilwe go tsaya komiti eo tsia. Kopo eo e ntshitswe ke mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Tutume, Rre Kabelo Tshekiso kwa phuthegong ya komiti eo kwa Tutume ka Laboraro. Rre Tshekiso a re maloko a komiti eo ke bone fela ba ka agang le go dira gore e nne le mosola le boleng go na le go supasupana ka menwana. A re komiti eo e na le mosola, ke ka moo e akaretsang makgotla ka go farologana go tshwaraganela dikgang tse di amang ditlhopho ka go abelana megopolo ka fa ba ka tokafatsang ka teng dilo mo tsamaisong ya ditlhopho. O kgadile ba ba nang le dikakanyo le megopolo ya gore komiti eo ga e na boleng ntswa ba le maloko. A re ke bone ba ka agang komiti eo go nna le boleng e seng ope gape. O ne gape a kgala tiriso ya mafoko a a tlhaselang kana a gogomosa maikutlo. A re ba lemoge fa maloko mangwe, bogolo jang badirelapuso le mekgatlho e mengwe ba sa tlwaela mafoko a a buiwang ke batho ba le ka fa tlase ga ditlhare, ka jalo a ba kopa go ipetla ka moremogolo go betlwa wa taola. O ne a supa fa bokopano joo bo le mosola ka e se jwa go tlhaselana kana go supasupana ka menwana mme e le jwa go tsisa mowa wa neelano le go rotloetsa puso ya batho ka batho ka go abelana megopolo. Mogolwane wa lekgotla le le ikemetseng la ditlhopho kwa kgaolong-potlana ya Tutume, Mme Basadi Ntshutelang o ne a lekodisa komiti eo ya PLC ka melawana e e baakantsweng ya ditlhopho, e e tshwanang le ya go baakanya pampiri ya ikwadiso ditlhopho gore go nne le fa go kwalwang megala ya tlhaeletsanyo teng. Mme Ntshutelang a re pampiri eo e ntse e sena ntlha eo e le lefelo le aterese fela mme seo se ne se ba ketefalela e le ba lekgotla la ditlhopho go batla kana go latedisa motho fa ba lemogile phoso nngwe fa a ikwadisa. O ne a abelana le batsaya karolo ka setlhogo sa mmuso wa batho ka batho le go thibela dintwa. A re kgang ya ditlhopho e tlhokana le go dirwa ka matsetseleko, go direla dilo mo pontsheng go tila ditlamorago tse di bakwang ke dikgang tsa ditlhopho. O gateletse ka go re, Batswana ba tswa goo Lowe ba tshegeditse dingwe tsa diane tsa ntwa-kgolo ke ya molomo kana mmualebe o bua la gagwe gore mo na lentle a le tswe go tsweledisa mowa wa kagiso le thokgamo. Komiti eo e supile fa e etsaetsisiwa ke go baakanngwa ga melawana ya ditlhopho ntswa go santse go na le kgang e e kwa makgotleng a ditsheko ya tiriso ya motshine mo ditlhophong tse di tlang. Rre Bigani Kgomotso wa UDC a re seo ka bo sone se supa fa go sena puso ya batho ka batho ka puso e tsweletse ka go baakanya ditsetla tsa tiriso ya motshine e sa rekegele megopolo le dikopo tsa batho. Moruti Segomotso Chokwe o ne a leboga tshwaragano le tirisanyo mmogo ya Batswana. A re le fa ba farologana ka diphathi tsa sepolotiki ba santse ba tshegeditse kagiso le thokgamo e e saleng e thailwe ke mabutswapele. Moruti Chokwe o ne a kopa Batswana go bua le bana le go ba ruta gore ntwa kgolo ke ya molomo e bile gape ntwa ga e rarabolole sepe. BOKHUTLO politics 7 Mokgatlho wa Segotsa Molelo o tshwere bomme Motlapele o boletse fa mosadi tshwene a jewa mabogo, e bile mosadi e le thari ya setshaba. Se, se rurifaditswe ke bomme ba Letlhakane ba le masome a mararo le bongwe ba e neng yare ba lemoga botlhoki jwa bone, ba ikopanya ka ngwaga wa 2013 go dira mokgatlho o ka one baka thusanang mathata a botshelo. Go ya ka Mme Kegaisamang Tawana yo e leng modulasetilo wa mokgatlho, ba ne ba bona leina la “Segotsa molelo ”ele lone le tshwanetseng mokgatlho wa bone ka gobo fa mongwe wa bone a welwa ke seru, e nna bone ba ntlha go motswa thuso, mme ere setshaba se goroga se fitlhele tiro e tsweletse. Tawana o tlhalosa fa bomme ba segotsa molelo ba sena ditiro tsa se nnela ruri, bangwe ele balemi barui fa bangwe ele bagwebi baba botlana, ka jalo bane ba lemoga fa tota moroto wa yoo esi osa ele mme ba ikopanya go thusana mo manyalong le mo dintshong. “Fa mongwe wa rona a nale tiro re mo fa thuso ya ditilo, dijana, madi ga mmogo le yone thuso ya diatla tota,”a ke mafoko aga Tawana. Mo nakong ya gompieno ele ba segotsa molelo ba setse butse letlole ko bankeng le ka lone ba tsenyang madi a mokgatlho kgwedi le kgwedi. Mongwe le mongwe wa bone o nale ditilo tse masome mabedi (20), dijana, dipitsa le dikotele. Fa dikeletso ene ele dipitse, ba segotsa molelo ba tlhalosa faba eletsa gore mo nakong e tlang babo ba nale koloi e baka rwalang dithoto ka yone ga mmogo le tante/ saile e baka e dirisang mo medirong babo ba kgona go dira dipoelo ka go e adimisa ba eseng maloko a mokgatlho. “Re eletsa go ipona re godile e bile re koloi e ba rwalang dithoto ka yone ga mmogo le go dira dipoelo tsa madi. Fela jaaka mokgatlho mongwe le mongwe, ba segotsa molelo le bone ba itemogela dikgwetlho. Ere ka mokgatho o ele wa bomme ba malwapa ba ba nang le dikgwetho tsa matshelo a bone, Tawana o bolela fa mangwe a maloko a kgona go tsaya lebaka le le leele ba satle bokopanong mme se se ame mokgatho. O tlhalosa gape fa ba itemogetse letlhoko la madi ka gobo maloko basa bereke. Tse tsotlhe ga di kgobe bo mme ba marapo ka ba itse ko bago yang. economy_business_and_finance 3 Borre ba rotloediwa go lwantsha kgokgontsho Mogokaganyi wa ditirelo tsa bolwetse jwa ADS, Rre Onkabetse Ntswetswe o rotloeditse borre go nna le seabe mo go fediseng dikgang tsa kgokgontsho ya bong tse di tsweletseng ka go gola. Rre Ntswetswe o buile jalo mo tirelong ya letsatsi la go ruta banni ba Salajwe ka kgokgontsho. A re go botlhokwa gore borre ba tsee boikarabelo jwa go fedisa kgokgontsho ka e le bone ditlhogo le batlhokomedi ba malwapa ka bontsi, ka jalo ga ba a tshwanela go nna bakgokgontshi. Ka jalo a re borre ba tshwanetse ba itlama go kopa dithuso mo go ba ba maleba fa ba na le mathata go na le go itseela molao mo diatleng, ka go dira ditiro dingwe tse di seng ka fa molaong. O tlhalositse gore kgokgontsho ya bong e ka diragala fa gare ga ga mme le rre kana e le ba bong bo le bongwe, e bile e ka diragala kwa lwapeng, tirong kana mo tseleng. A re kgokgontsho e ka nna ya dititeo, maikutlo kana ya tlhakanelo dikobo. Rre Ntswetswe a re dipalo di tsweletse ka go supa fa bomme e le bone ba ba amilweng ke kgokgontsho thata mme e bile e dirwa ke borre, ka jalo a re seo se tsweletse ka go baya bomme mo diphatseng tsa go tshwenyega mo maikutlong, go tsenwa ke HIV ga mmogo le go nna le matsadi a dititeo. A re seo gape se ka ama le bana mme go dire gore ba gole ba sa iketla mo moweng. A re dipalo di supa fa 67 per cent ya bomme e angwa ke kgokgontsho ka ditsela tse di farologaneng, ka jalo a re ke palo e e kwa godimo e bile e tshwenya ka go supa fa bomme ka bontsi ba sa sireletsega. Le fa go ntse jalo, a re borre le bone ba amilwe ke kgokgontsho, mme go supa fa bone mo lesomeng bo amega. A re borre go supa fa ba amilwe ke kgokgontsho ya maikutlo, ka jalo a re seo se supa gore borre ka bontsi ba kgokgontshiwa ka go sotlakwa ka dipuo ke bomme tse di dirang gore ba ipone ba sena boleng. A re go supa fa go na le kgokgontsho e nngwe e e sa tlaleiweng thata le ntswa e diragalela borre thata ya go tingwa dikobo ke bomme. A re mofuta oo wa kgokgontsho o ama maikutlo a borre thata mme ba felele ba nna le dikakanyo tse di maswe. O tlhalositse gore tlhakanelo dikobo e na le seabe se segolo mo go tiiseng lelwapa go sa kgathalesege gore a le nyalane kana ga le a nyanalana. Ka jalo a re ke kgang e e tshwenyang ka e tsweletse ka go godisa ditlhalano, ga mmogo le go godisa tlhoka kutlwisisanyo mo go ba ba sa nyalanang. Rre Ntswetswe a re borre ka bontsi ba swa senku ba sa ikuele gope ka ba tshaba go tshegwa, mme a re ba tshwanetse ba ema ka dinao go leka go rarabolola mathata ao. Kgosi Moala Gaerupe wa Salajwe o rotloeditse borre go kopa thuso fa ba na le mathata go na le go itseela ditshwetso tse di seng ka fa molaong. A re go na le boralekgotla ba tetlanyo, bommaboipelego le bagakolodi, ba ba ka thusang fa gona le mathata. Kgosi Gaerupe a re le ba ba kgokgontshiwang kwa ditirong kana kwa dikoleng ba tshwanetse ba bolelela ba ba maleba go ba thusa. health 6 Banni Palapye ba anya boranyane Banni ba Palapye ba ba rutilweng go dirisa dibalamakgolo ka lenaneo la sesigo kwa motlobong wa dibuka wa Palapye ba galaleditse lenaneo le la thuto ya mahala. Fa a bua mo potsolotsong, mongwe wa ba ba anyileng mo lenaneong leo, Rre Letlhogile Madi wa dingwaga tse di masome a matlhano le bone, yo o feditseng dithuto tsa gagwe tsa kgwedi tse tharo ngwaga o o fetileng a re o itumela thata ka tiro e ntle e dirwang ke ba lenaneo la sesigo. O boletse fa a ne a bona go le botlhokwa go tsena dithuto tse ka malatsi a go tshelwa mo nakong ya diphetogo mo sengwe le sengwe se dirwang ka maranyane a dibalamakgolo. Rre Madi a re dithuto tsa teng di ne di le boketenyana, mme gompieno o itse go dirisa dibalamakgolo ntleng le thuso ya ga ope. A re mo nakong ya gompieno, tiriso ya dibalamakgolo e tokafaditse maduo le boleng jwa kgwebo ya gagwe ya go dira le tsa metlakase ka a sa tlhole a tsamaya a rwele dibuka tse ditona tona e bile a kgona go dira dipatlisiso le go romela diodara ntleng le go ya kwa a rekang didirisiwa teng. Mme Lucky Mapei wa dingwaga tse di masome a mararo ene o feditse dithuto tsa gagwe ngwaga ono ka kgwedi ya Firikgong. A re o ne a sena madi a go ikisa sekolong go ya go dira dithuto tsa dibalamakgolo ka di le turu, ka jalo a di tsena mo lenaneong la sesigo ka e le mahala. O boletse fa lenaneo le le mo rutile ka botlhokwa jwa go dirisa dibalamakgolo le tiriso ya tsone e e tla mo thusang go tokafatsa botshelo jwa gagwe, ka a ithutile gore go dira dilo di tshwana le dikarata tsa manyalo, tsa mekete le mananeo a dintsho e le selo se se motlhofo. O tlhalositse fa go tsenelela dithuto tse go mo rutile go tshela le batho ba ba farologanyeng ka a ne a tsena le bagolo mme ene e le monana. Moithuti yo o santseng a tsweletse le dithuto tsa gagwe Mme Caroline Maganu wa dingwaga tse di masome a mane le bosupa, yo ithutseng go ruta bana ba sekolo se se botlana a re batsadi ba gompieno ba batla bana ba bone ba rutiwa tiriso ya dibalamakgolo ba sale bannye, ke ka moo a tseneletseng dithuto tse ka a sa itse go dirisa khompiutara. A re mo bogompienong o a palelwa ka go santse go le thata mme ga a fele pelo ka go sa tshwane le tsho tsho ka a kgona go ipulela le go tswala khompiutara. Mme Maganu o boletse fa ba sale ba tsene sekolo bogolologolo jaanong ditlhogo tsa bone di le thata, mme a tlhalosa a itumedisiwa ke gore barutabana ba bone ga ba ba felele pelo ka e bile ba ba ruta le ka setswana fa ba sa tlhaloganye puo ya sekgoa. O tsweletse ka gore thuto ya dibalamakgolo e ya go mo fa dikitso le boitseanape jo a tla bo dirisang mo kwebong ya gagwe ya go rekisa diaparo ka le ene a tla simolola go reka diaparo ko mafatsheng a dirisa maranyane a inthanete, e bile a tla a dirisa le go bala dipampiri tsa dikgang tse di farologanyeng ntleng le go di reka. Morutabana wa dibalamakgolo kwa motlobong, Mme Lapologang Gaefole a re fa e sale lenaneo le le simolodisiwa mo Palapye ba alositse baithuti ba le makgolo a mane le lesome, ba mo go bone ba le masome a mararo ba filweng ditankana. O tlhalositse fa ba tsaya baithuti ba le masome a mane mo kweding tse tharo, mme go kgona go felela go setse ba le masome a mabedi le botlhano fela ka ba bangwe ba tlogela mo tseleng ntateng ya thaelo ya dikhompiutara, fa bagolo bone ba tla nako dingwe ka ba re ba na le ditshwarego. O rotloeditse banni ba Palapye le metse e mabapi go iketeeletsa kwa motlobong wa dibuka go tsenelela lenaneo la sesigo ka dipalo tse di kwa godimo go ithuta dibalamakgolo mahala, ka are goromente o ba file tshono e ntle thata e e tla ba sologelang matshelo a bone molemo, ka thuto e e tla ba fa lesedi la go nna mo seemong se se siameng sa go itse go dirisa maranyane a dibalamakgolo. BOKHUTLO education 4 Masope o saletse kwa morago Mokhanselara wa Maboane/Masope kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng bophirima, Rre Mogomotsi Mokgolele, ga a jesiwe diwelang ke go salela kwa morago ga metsana eo mo ditlamelong tsa botshelo di le mmalwa. A re selelo segolo ke lenyora le le sa robatseng morafe wa motsana wa Masope. Rre Mokgolele otlhalositse gore le fa Masope e se motse o o ka fa molaong, o sa tsisediwe ditlhabololo tse dingwe, metsi one a a tlhokega ka e le one a ka tshegetsang batho ba motsana oo. O tlhalositse fa batho ba Masope, ba tshela ka go kopa boradidiba tse di dikologileng motsana oo le ba sediba sa matimela go nwa le go nosa leruo. Mokhanselara a re o kopile gore bogolo ba akanyediwe ka go beelwa tanka e tlaa nnang e tshelwa ke dikoloi tsa khansele tsa metsi. Rre Mokgolele o kaile gape fa kgwetlho e nngwe ya kgaolwana ya gagwe, e e amang motsana wa Masope le masimo a Kosuwe e le letlhoko la ditlamelo tsa botsogo. O umakile gore o tshwenngwa ke letlhoko la boroko le le amang bodirelapuso kwa Maboane. Rre Mokgolele o boletse gape fa banana ba kgaolwana ya gagwe ba akola mananeo a banana ka dipalo tse di boutsana ka ntlha ya go tlhoka ditlhaeletsano le dipalamo. O kopile ba ofisi ya banana go nna ba ba itsise ka nako kgotsa ba etele banana ba kgaolwana ya gagwe go ba tlhagisa le go ba tlhalosetsa ka tse di tlhokafalang go tlatsa fomo ya mananeo a. Bokhutlo society 9 Ba Men Sector ba thulanya ditlhogo Lekgotla la Men Sector kwa Selebi Phikwe e rile bosheng la tshwara dithuto-puisanyo go rutuntsha borre le go tsaya megopolo go lwantsha kgokgontsho ya bong ga mmogo le go neelana maele ka dikgang tse di ba amang. E rile a bua kwa phuthegong eo bosheng kwa kgotleng ya Botshabelo, Lt Col. Kabelo Chabanga go tswa kwa BDF Eastern Military Garrison o ne a tlhalosa fa borre ba tshwanetse go nna le seabe mo tharabololong ya dikgang tsa botsogo ga mmogo le go amogana megopolo. O kgothaditse borre go ikgapha mo go nneng le seabe mo dikgangnnye tsa kgokgontso ya bong le go e begela ba ba maleba. Colonel Chabanga o gakolotse borre go dirisa ditlamelo tsa botsogo tse di teng gore ba tshele ba itekanetse gona le go nna maoto a tshupa mo go itekodiseng ba bongaka. E rile a tswa la gagwe, Kgosi Olebogeng Mojuta a tlhalosa fa nako ya gore borre ba fetole maitsholo e gorogile. Kgosi Mojuta o boletse fa borre ba tshwanetse go fetola maitsholo go supa fa ele bateledipele ba malwapa, gape ba tsee boikarabelo ja go tlhokomela le go sireletsa malwapa a bone. O kgothaditse borre go ema bomme nokeng ka nako ya fa ba itsholofetse ga mmogo le go sala meila ya ngwao morago ka nako ya fa mme ale mo botsetsing. A re setshaba se tshwanetse go dumela fa go na le dilo dingwe tsa ngwao tse di ka se fetolweng. Mme Mojuta o ne a gakolola borre go tlhokomela botsogo jwa malwapa a bone ka go ikgapha mo go tseneng mo maratong a a kwa ntle ga lenyalo. Modulasetilo wa Selebi Phikwe Men Sector, Rre Ishmael Morebodi o ne a gwetlha borre go emisa kgokgontsho ya bomme le bana. Rre Morebodi o tlhalositse fa Palamente e fetotse melao ya tiriso botlhaswa ya bana mo tlhakanelong dikobo ka maikaelelo ago e fedisa. O boletse fa dipego tsa kgokgontsho ya bong tse di begelwang mapodisi ka bontsi di supa fa bomme e le bone ba kgokgontshiwang go feta borre. A re le fa go ntse jalo, se ga se ree gore ga go na borre ba ba kgokgontshiwang, segolo jang ka dititeo ka go lemosegile fa borre ba tshaba go bega kgokgontsho e e dirwang mo go bone. Rre Morebodi o kgothaditse borre go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV ga mmogo le go itlhatlhoba ka dipego di supa fa ba santse ba le maoto a tshupa go itlhatlhobela mogare fa ba tshwantshangwa le bomme. Ramopodisi wa Selebi Phikwe Rre Victor Nlebesi o tlhalositse fa puso e fetotse melao mengwe e e siretsang bana mo go dirisiweng botlhaswa. O boletse fa ba Sepodisi ba amogela dipego tsa tiriso botlhwaswa ya bana mo go tsa tlhakanelo dikobo ga mmogo le kgokgontsho ya bomme, a tlatsa ka gore ba itlamile go diragatsa melao e e itebagantseng le go lwantsha kgokgontsho ya bong. Rre Nlebesi o kgothaditse borre go fetola maitsholo a bone go fenya dikgang tsa kgokgontsho, le go ikgapha mo dipolaanong tsa marato tse di ntseng di apesitse lefatshe leno kobo ka letshoba. Bokhutlo education 4 Botlhokatsebe bo wetse tlase kwa Tutume Mogolwane wa mapodisi a Tutume, Superintendent Jerry Halahala a re dikgang tsa borukhutlhi jwa go thujwa ga matlo le marekisetso gammogo le melato ya petelelo tse di neng di tsweletse ka go tshwenya mo motseng oo le e mengwe e e mabapi di wetse tlase. Mo potsolotsong bosheng, Supt Halahala o supile gore go tswa ka Hirikgong go fitlha Motsheganong mono ngwaga ba kwadisitse dikgang tsa borukhutlhi jwa go thujwa ga matlo le marekisetso di le lesome le borobabongwe fa ya petelelo yone ele lesome le botlhano. Le fa go ntse jalo, Supt Halahala o supile fa melato eo e wetse tlase, a tlhalosa fa go tloga ka Seetebosigo go fitlha Phalane ba gatisitse melato ya borukhutlhi jwa go thujwa ga matlo le marekisetso e le lesome fa ya petelelo yone e le metlhano fela. A re fa ba tshwantshanya dipalo tse, go supa fa borukhutlhi bo wetse tlase mme a tlhalosa fa a itumelela seo ka a re go supa gore Batswana ba sekegela tsebe melaetsa le dikgakololo tse di ntshiwang ke sepodisi tebang le go lwantsha borukhutlhi. O bile a akgola popagano e e fa gare ga setshaba, maloko a dikomiti tsa twantsho borukhutlhi le ba sepodisi, a supa fa tirisanyo mmogo le yone e na le seabe se se tona mo kwelo tlaseng ya borukhutlhi. Mo go tse dingwe, Supt Halahala o supile fa ba sa ntse ba lebanwe ke kgwetlho ya batswakwa ba ba mo lefatsheng leno e se ka fa molaong. O supile fa bontsi jwa batswakwa ba, ba bonala kwa merakeng le kwa masimong mme a supa fa seemo se, se rotloediwa ke bangwe Batswana ba ba tsweletseng ka go ba amogela le go ba fa ditiro le bonno go se ka fa molaong. Supt Halahala o tsweletse a supa fa a sa itumedisiwe ke dintwa tse di tlhagogang bogolo jang fa gare ga baratani ba banana. A re sengwe se se rotloetsang dikgotlhang tse ke manyalo a a seng ka fa molaong a bangwe banana ba inaakantseng le one. A re go kopanela dithoto ga banana ntswa ba sa nyalana go na le seabe mo go bakeng dintwa tse bogolo jang fa ba setse ba kgaogana. crime_law_and_justice 1 Lelatisitswe o lekola kgaolo Mopalamente wa kgaolo ya Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe, o roletse banni ba Mmea le Mokubilo tse di builweng kwa palamenteng e e fetileng . Rre Lelatisitswe o buile jalo fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo ka Labone (Phalane a le malatsi a le marataro). A re mengwe ya melao e e dumetsweng ke wa maloma tsebe o a reng ka one golekwa go fokotsa dikgang tsa tshenyetso setshaba ka jaana go lemogilwe gore Batswana ba tswa kgakala ba bona dilo mme ba tshaba go bua. Mopalamente a re motho yo o tlaa lomang tsebe o tla bo a sireletsegile gape go na le gore yo o sa begeng nnete go tla dirwa jang. Rre Lelatisitswe a re molao o mongwe ke molao paakanyo wa tsa pereko o o amang babereki ba ditiro tse di faphegileng. A re barutabana ba tsentswe mo teng go lebeletswe gore lefatshe leno le santse le fatlhoga mme thuto ke yone e e ka le ntshang mo lehumeng. A re fa barutabana ba ka tsena mo ngalong ditiro go ka ama thuto. Lephata la matlhoko a leruo le lone le tsentswe go lebilwe gore lefatshe leno le ikaegile ka temo-thuo jaanong fa go ka tlhagoga malwetse babereki ba le mo ngalong ditiro go ka baka tatlhegelo e kgolo mo thekisong ya nama,ga mmogo le lephata la CTO tiro e ka ema go sena petorolo. Rre Lelatisitswe a re molao o mongwe ke wa Botswana Regulatory Energy Authority mme o tlaa bo o itebagantse le go laola dikgwebo tsa motlakase gore Batswana ba seka ba jewa ntsoma le go tsenya phadisanyo ya motlakase le wa koketso ya maphata le mapalamente a a itlhophetsweng. Rre Lelatisitswe a re go ne go tserwe mapalamente mangwe go ya go bona mochine o wa ditlhopho gore o bereka jang. Kgosi wa Mmea, Rre Polson Keitlhaganetse o ne a supa fa a tshwenngwa ke ka fa babereki ba poso ba dirisanang le bagodi ka teng a tlholosa gore ba re fa mogolo a palelwa a rwalwe ka keriba gore a ye go amogela . Kgosi Keitlhaganetse a re lenaneo le la babereki ba poso o bona e le go sotla le go gakatsa seemo sa botsogo jwa bagolo. O ne gape a re bagodi ba ba duelwang ke ofisi ya dikamogelo tsa bagolo (Pensions) ga ba bone madi a bone faesale mmereki mongwe a fodusiwa . Monni wa Mokubilo, Rre Thatayaone Tabue a re ba sale ba kopile ditotoma tse di fokotsang lebelo (Speed Hampa) ka gore tsela ya Orapa/Francitown e ralala motse wa bone. O ne gape a re ka molao wa ditsela sekontere se tshwanetse sa felela ko kgotleng a re ba kopa gore se tsenngwe ka go tsentswe pavement. Rre Tabue o ne gape a botsa gore kgang ya Pre School kwa Mokubilo e tsamaya fa kae. O ne gape a supa fa ba tshwenngwa ke semorafe mo motseng wa bone se a reng se busetsa ditlhabololo ko morago. Banni ba ne ba lela ka diphiri ba re di ba jela loruo mme ga di na phimolo dikeledi ba re ba kopa gore di akarediwe mo go tse di phimolelwang dikeledi ka gore di bolaya maiteko a lenaneo la nyeletso lehuma. society 9 Ba kgothadiwa go tsaya bo Omang Le fa ntswa diofisi tsa Omang di nna fela di le mosuke ka batho ba ba tlang go dira le go tsaya dikarata tsa Omang le matsalo, go santse go nale mokoa wa dikarata tseo kwa go bone. Lephata leo le a tle le dire maiteko a go leka go isetsa batho dikarata tseo kwa metseng ya bone le gone go ya go ba kwadisa tota mme go lebega le itaya fela ka kwa ntle ka gonne bangwe dikarata tsa bone di nna fela mo diofising go fitlhelela di tswa mo tirisong. Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Moipolai wa Matsiloje a re le mororo ba ofisi ya Omang ba kile ba ba etela mono ngwaga, ba santse ba lebagane le namane e tona ya go netefatsa gore banni ba motse oo ba na le Omang. O boletse gore ke go tlhoka boikarabelo go nna motho a sena Omang ele Motswana ka jaana karata eo ele botlhokwa fela thata. A re batsadi bangwe ba itsa bana go nna le bo Omang ka go bo le bone ba ise ba nne le kgatlhego ya go dira karata eo mme se, se ketefaletsa bana matshelo ka ba ka se kwadisiwe kwa dikoleng kgotsa ba kopa thuso kwa dikokelong gammogo le gone go tsaya karolo mo ditlhophong tsa setshaba. Kgosi a re le ntswa bontsi ele ba ba boitseme, go na le bangwe ba ba idiwang go tsaya bo Omang ba bone ke letlhoko la madi a sepalamo le bogodi. A re batho bao gantsi o fitlhela ele gore ba tlhokana le go tla gape le ka basupi go rurifatsa gore mme ke nnete ke Batswana mme se se ketefalele dipata tsa bone. Mokwaledi wa kgosi kwa Tati Siding, Mme Lydia Chidzani Tadubana ene o kaile fa ba lephata la Omang ba tlhola ba etela koo mme morafe o tle ka bontsi. A re le fa ntswa a ka se tlhomamise gone o a itse fa go nale batho ba ba senang Omang mo motsaneng o mme se se bakiwa ke gore bangwe ke batswakwa ba ba saleng ba tsile mono jalo ba ntse dingwaga tse dintsi mo e setseng jaanong go ka twe ke Batswana. Batho ba, a re o fitlhela gongwe bana ba bone ba tsholetswe mono mme ka mabaka a boagedi ba sa ba direla sesupo sa matsalo. Kgang e gape e thatafadiwa ke gore fa gongwe batsadi ba bo ba tlhokafetse jalo ba masika ba sa leke go thusa mme seo se baya batho bao ka fa mosing ka ba sa kgone go bona ditlamelo tsa puso sentle. society 9 Banni ba ngongorega ka tlhaelo ya ditirelo Banni ba kgotla ya Madiba kwa Mahalapye ba ngongorega ka tlhaelo ya ditirelo tse ba di newang ke maphata a mmuso jaaka melemo, metsi le dikobo kwa kokelong ya Mahalapye. Ba boletse mo phuthegong e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Joseph Molefhe , gore ka dinako tsotlhe fa ba ile bongakeng kwa Mahalapye ba tsaya lebaka le le leele mo meleng ba ise ba bone thuso, go tlhaelelwa ke boroko ga balwetse, go dirisa metsi a tsididi ga balwetse le letlhoko la dipilisi mo e bileng ba batelesega goya go ithekela melemo mo madirelong a e seng a puso. Ba kopile mopalamente go kgotlhakgotla lephata la botsogo go atolosa dikokelwana tsa Madiba, Baitiredi le Leetile gore dikgone go bereka bosigo le motshegare le go nna le dingaka go imolola sepatela se se leng teng morwalo ka jaana se amogela balwetse ba ba tswang mo mafelong a dikgaolo tsa Shoshong, Tswapong Borwa, Mahalapye Botlhaba le Bophirima Ba re ere ntswa gole borai go todisa gonwa dipilisi tsa madi a matona, badiri ba kokelo ya Mahalapye go balelwa le dingaka ga ba tseye tsia dingongorego tsa bone ntswa go dira jalo go baya matshelo a bone mo diphaatseng tsa go latlhegelwa ke botshelo ntateng ya boitseme jwa badiri ba kokelo eo . Ba kopilwe gore ba agelwe kokelwana e e ta a dirang nako tsotlhe e na le ngaka le dipilisi go itsa go fetisetswa ko sepateleng se se tona go fokotswa mosuke le ditshenyegelo ka ba dirisa madi a mantsi mo dipalamong go ya ko go sone. Banana ba tlhalositse fa ba kgobisiwa marapo go dirisa mananeo a banana ke badiri ba ba lebaneng le go ba thusa ka jaana fa ba ile go kopa dithuso ba batiwa go supa dithutego tse ba nang le tsone, mme seo se ba kgoreletse go akola mananeo ao jaajka banana ba dikgaolo tse dingwe mo go dirang gore phelelong baye go lwela ditiro le bagolo mo Ipelegeng. Mo phuthegong eo ba komiti ya ditlhabololo ba boleletse mopalamente fa ba kgonne go agela motlhoki mongwe ntlo ya boroko le ntlwana ya boitiketso gammogo le go tsenya dipompo tsa metsi mo dikgotleng tsa Madiba 14 le Leretlwa, mme ba bolela fa mathata a ba kgoreletsang go dira ditlhabololo ka boithaopi ele letlhoko la madi. E rile Rre Molefhe a itebagantse le dikopo gammogo le dingongorego tsa banni ba Madiba 14 a bolela fa molao o sa letelele balwetse go ithekela melemo mo madirelong ae seng a puso ka seo se ka baya matshelo a bone mo diphatseng. Mabapi le tlhaelo ya metsi o tlhalositse fa selelo sa bone se arabilwe ka jaana mmuso o ntshitse thendara ya go tlhapa konteraka e tla gokelelang diphaephe tsa phatlalatso metse mo motsing wa Mahalapye. Mopalamente o boletse fa gole maswabi go utlwa fa badiri ba ofisi ya banana bale maoto a tshupe go thusa banana ka mananeo ao, ntswa puso e dirile mananeo ao ka maikaelelo a go inola Batswana mo lehumeng, go lwantsha letlhoko la ditiro le go tswaklanya itsholelo ka go simolola dikgwebo ditshwana dikoporase. Rre Molefhe o tsweletse ka go tlhalosa fa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae le okeditse dipalo tsa badiri ba Ipelegeng lefatshe leno ka bophara, mme sebe sa phiri dipalo tsa babereki ba ipelegeng di dirwa ke gore bontsi jwa Batswana ga ba tswa ka sepe kwa masimo ntateng ya dipula tse di boutsana. politics 7 Tona o tlhalosa ditirelo tsa lephata Tona wa dikago le tlhabololo matlo, Rre Nonofo Molefhi a re tiro ya lephata la gagwe ke go fa bogakolodi mo go tsa dikago. Tona Molefhi o buile jalo fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng kwa Rakops mo Kgaolong ya Boteti. A re lephata la gagwe le na le makalana a le mabedi e leng a dikago le matlo. A re lephata la gagwe ga le tseele maphata a puso ditshwetso fa e se go fa bogakolodi fela, a tlatsa ka go re lephata la DBES le dira ditshekatsheko tsa gore dikago di ya go lopa bokae mme ba ntshe bogakolodi. Rre Molefhi a re mo ngwageng o o fetileng go ne ga tsewa tshwetso ya gore maphata a itirele dikago tse di lopang madi a a tshwarang P100m, fa tse di fetang madi ao di tlaa dirwa ke lephata la gagwe. A re matlo a SHHA a tlaa wela ka nako ka gore jaanong DBES e neetswe tiro ya go sala morago kago ya matlo a BHC, go bona gore a a agilwe sentle ka didirisiwa le madi a a dumalanweng. Rre Molefhi a re puso e ne e kopile setshaba go aga matlo gore puso e tle e a hirise, mme jaanong mathata ke gore ditlhwatlhwa tse puso e di beileng di kwa tlase. O ne gape a supa gore puso e na le matshwenyego a ditiro tse di sa weleng ka ntata ya bonya jwa dikonteraka le gone go phuaganya tiro ga tsone. A re go na le molao o o reng bomaitseanape botlhe ba tsa kago ka kakaretso ba tshwanetse ba kwadisiwa, go sekasekwa gore a mme dithuto tsa bone ke tsa boammaaruri pe le ga ba fiwa teseletse. A re kwadiso ya bobedi ke ya go supa gore ke mogwebi mo lefelong, a tlatsa ka go re le yone e ntshediwa teseletso. Rre Molefhi a re go dumalanwe gore madi a SHHA a ajwe ka tekatekanyo, kgaolo nngwe le nngwe e fiwa matlo a le lesome le bosupa. A re le fa go ntse jalo batho bangwe ba ba thusitsweng ka mananeo ao, ga ba buse dituelo gore go thusiwe ba bangwe. O tlhalositse fa dikopo tsa lenaneo leo di le dintsi mo di hekeetsang madi a ba nang le one, a bolela fa dipalo tsa batho ba ba ikopetseng lenaneo leo di ka tshwara P5 000. A re ba tlhoka madi a a ka tshwarang P600 million go aga, a tlhalosa gore maikaelelo a bone ke gore ba batle madi ba phimole molato. E rile a rolela Rre Molefhi matshwenyego a bone, modulasetile wa VDC, Rre Batsweletse Kgagamedi a lebogela diofisi tsa DBES tse di agilweng mo Rakops. Rre Kgagamedi o ne a supa matshwenyego ka dikago tse di saletseng morago jaaka ntlo ya loaro kwa sepateleleng, matlo a BHC a a saleng a simololwa ka 2014 gammogo le a SHHA Turn Key go simolola ka 2012. O ne gape a tlhalosa fa ba na le tlhaelo ya boroko jwa badirelapuso. E rile a araba matshwenyego a bone, a supa gore o tlaa tlhomamisa gore kago ya ntlo ya loaro e tla bo e wetse pele ga Sedimonthole e wela. Tona Molefhi a re seemo sa BHC sa tiego ya go wela ga matlo sone se bakwa ke gore badiri ba teng ba ne ba dira ba le kgakala, a tlhalosa gore ka jaanong go dumelanwe gore lephata la DBES le nne maoto a bone go tlaa tokafala. BOKHUTLO politics 7 Ba amogetse molelo wa kgolagano ka boitumelo Morago ga gore Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama a bolotse leeto la molelo wa kgolagano gore o ralale dikgaolo ka go farologana, go lebega banni ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba ntse ba o letile ka mabetwa e pelo. E ne ya re mo mosong wa kgwedi eno e le malatsi a mane, dipelo tsa banni ba kgaolo eo tsa boela mannong jaaka molelo wa kgolagano o ne o tsena mo kgaolong ya bone go tswa kgaolong-potlana ya Tutume. Molelo o ne wa rolelwa molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Keabetswe Lesiela mme o tlaa dikologa metse mengwe ya kgaolo eo, go fitlha kgwedi eno e le masome mabedi le boraro. Morago ga go amogela molelo wa kgolagano, Rre Lesiela o ne a o rolela Kgosi Kutlwano Matenge wa Matenge, yo le ene e rileng kgabagare a o rolela Kgosi Ezekiel Gulubane wa Gulubane. Ya bo e le semphete ke go fete, ka jaana banni ba metse eo ya Matenge le Gulubane, kwa molelo o simolotseng go tsena kwa go yone, ba ne ba supa fa tsotlhe di ne di le malala a laotswe. Banni ba metse eo, ba e bileng ba neng ba kgabile ka kapari ya mebala ya Botswana, ba patilwe ke balekane ba Botswana ba ba mo kgaolong, ba ne ba seka ba fitlha boitumelo jwa bone ka jaana megolokwane, meopelo le maipelo e ne ya nna sengwe sa sejo sa letsatsi. Gontse go le foo, babui ka go farologana kwa meletlong eo ya kamogelo molelo wa kgolagano, ba ne ba supa fa molelo o na le bokao jo bogolo thata mo setshabeng ka jaana o lomaganya setshaba sa lefatshe leno gammogo le go tsosolosa mewa ya popagano, lorato, kutlwelano botlhoko, kagiso le thokgamo tse di ntseng di rena mo lefatsheng leno. Kgosi Matenge le Kgosi Gulubane le bone ba ne ba seka ba loba boitumelo jwa bone, ba tlhalosa fa metse ya bone e le sego go bo e raletswe ke molelo wa kgolagano, e bile seo se fa tsholofelo ya gore metse ya bone e tlaa rothegelwa ke lesedi le matlhogonolo a ditlhabololo. Fa a latlhela la gagwe, moemedi wa banana ba Matenge Mme Cecilia Matenge a re molelo wa kgolagano o rotloetsa lengwe la matshego a tebelopele ya 2016, la go nna chaba e e tshwaraganeng e bile e ikgantsha, a tlatsa ka gore seo gape ke maiteko a puso a go lemotsha Batswana botlhokwa jwa Botswana wa bone. Mme Matenge o tsweletse a re o eletsa go bona mo tebelongpele ya 2036, banana ba lefatshe leno ba eme ka dinao ba itirela, go tlhabolola matshelo a bone le metse ya bone tota. economy_business_and_finance 3 Thusang Basadi e tsweletse sentle Mokgatlho wa Thusang Basadi o o tlwaelesegileng ka go thusa bomme ka madi go simolola dikgwebo tse dipotlana, o thusitse go kopanya setlhophana sa bomme go simolola kgwebo ya go dira botoro mo Palapye. Morago ga go utlwalela ka lenaneo le le thusang ditlhophana tsa bomme ka madi a go simolola dikgwebo la Gender Affairs kwa Thusang Basadi, Mme Poloko Rannana (57) le Mme Gojewang Otsile (68) ba re ba ne ba kgatlhega mme ba batla bommata e leng Mme Mercy Musinga (58) le Mme Bontle Diane (60) go ka lekanya palo e e batlwang ya ikopelo ya madi. Bomme ba, ba botlhe ba tlholegang kwa Palapye, ba re lentswa go ne go le dingalonyana, ba ne ba nna pelotelele mme ba dira tsotlhe tse ba neng ba di lopiwa go ka thusiwa ka madi ka 2011. Ka tsholofelo e sa tlhabise ditlhong, maduo a mofufutso wa bone a bonala go ise go ye kae ka ba ne ba thusiwa ka P198 000 ka 2012 go ka simolola kgwebo ya Tshwaragang Basadi Peanut Butter. Mo potsolotsong le A re manoko ba a reka kwa Afrika Borwa ka jaana a a bo a tlhatlhobilwe go netefaditswe gore a siametse go ka dirisiwa. A re loeto lwa bone e ne e se lo lo bonolo mme ka thata ya Modimo ba kgonne gore le mo nakong ya gompieno ba bo ba tshwareletse. O tladitse ka go tlhalosa gore ba simolotse kgwebo ya bone e le bagolo fela mme seo sa ba berekela ka jaana le fa go nna le mathata ba nna le mowa wa boitshoko le bopelotelele gammogo le go buisanya. “Fa re simolola kgwebo go ne go le thata letseno le re neng re le dira le felela mo kgwebong re sa kgone le go ikamogedisa sepe, mme ka rotlhe re le bagolo ra itshoka fela ka tsholofelo ya gore go tlaa siama. Mo bogompienong re kgona go nyenya le rona fa kgwedi e fedile re itse gore lemmenyana la go rekela bana phaletshe re tlaa le bona,” ga tlatsa Mme Rannana. Thusang Basadi e ikaegile ka bareki ba ba tlang ka bongwe ka bongwe go reka botoro kwa madirelong le fa beng le bone gangwe le gape ba dira maiteko a go ya go rekisetsa batho kwa metseng, mafelo a a nang le metsamao e mentsi ya batho le kwa diofising. Mme Rannana a re ngogola ba ne ba latswiwa ke tlhware ka ba ne ba tlhophiwa go ka thusa bana ba dikole ka botoro. A re seo se ba thusitse go phunyeletsa mo kgwebong ka se ne sa tsisa letseno le le botoka mo nakong e khutshwane ka jaana ba ne ba nna le monyetla wa go dira botoro e ntsi. Ka kgwebo e seke e tlhoka dikgwetlho, a re le bone ba ralala dikgwetlho, nngwe ya tsone e le go tshwenngwa ke kgang ya lefelo ka jaana ba lefa madi a a fetang P18 000 ka ngwaga fa ba direlang teng, a supa gore go ka nna bonolo fa ba lephata la ditsha ba ka amogela kopo ya bone mme ba ba fa lefatshe. Go bo ba tlamega go reka manoko kwa ntle ga lefatshe le gone go supega fa ele petso e e botlhoko mo Thusang Basadi ka jaana go le turu. Go ya ka Mme Rannana ga ba kgone go reka mono gae ka jaana Batswana ga ba ise ba tsibogele temo ya go tlhatlhoba mmu mme seo se ba baya ka fa mosing ka jaana manoko a tlhatlhojwa gammogo le yone botoro pele e ka rekisediwa batho. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ditlhare di tshedisa Batswapong Kgaolo ya Tswapong ke nngwe ya dikgaolo tse di humileng ditlhare. Go tsweng bogologolong, morafe wa Tswapong o dirisetsa ditlhare tseo ditiro tse di farologanyeng go ya ka fa bone ba bonang gore ba ka di dirisa ka teng bogolo jang mo go tsa itshetso. Dingwe ditlhare di jewa maungo a gape a kgonang go rekisiwa, dingwe go dirisiwa matlhare le medi ya tsone go dira melemo ya setso fa tse dingwe di dirisiwa ke babetli go dira didirisiwa ka go farologana jaaka dikika, metshe, mafetlho le mekgabisa gareng ga tse dingwe. Sengwe sa ditlhare tse di fitlhelwang mo kgaolong ya Tswapong e bile se jewa maungo ke sa Motlha. Setlhare sa Motlha ke setlhare se se golang boleele thata ka matlhare a a kitlanyeng, thito ya sone e le kimakima e bo e nna khutshwane, maungo a sone fa a ise a butswe a nna matala fela jaaka matlhare mme fa a setse a budule a nna marokwa. Le ntswa setlhare se se fitlhelwa mo Tswapong, ga se fitlhelwe gongwe le gongwe ka jaana mo kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami e e nang le metse e ka tshwara lesome le botlhano setlhare se se bonwa fela mo metseng e meraro ya Sefhare, Borotsi le Chadibe. Kwa Sefhare, setlhare se se sentsinyana go na le kwa Borotsi le Chadibe. Tota setlhare se, se itsege ka leina la Motlha mme kwa Sefhare sengwe sa ditlhare tseo se e reng fa motho a le fa kgotleng kgolo ya motse oo a bo a se lebela kwa bophirima tsatsi ka fa molemeng se le sekgelenyana fela go tswa teng fa kgotleng se teilwe leina gatwe Mmamoremedi. Leina le la Mmamoremedi ke leina le le setseng le tlwaelesegile thata mo motseng oo go bitsa sone setlhare seo fela se le nosi fa tse dingwe di bidiwa fela gotwe Motlha. Motho jaanong o ka kgatlhegela go batla go itse gore ka goreng setlhare seo se teilwe leina leo le okareng go bidiwa motho. Go ya ka mongwe wa mabutswapele a motse wa Sefhare, Rre Legapu Modise, setlhare seo ke sone sa ntlha sa Motlha se e rileng fa ba tlhalefa ba bo ba fitlhela se setse se godile. Rre Modise yo o dingwaga di masome a a robang bobedi le bobedi o tsweletse ka gore go bapa le sone setlhare seo go ne go le tshimo e tona yoora Khama e bile e berekwa ke batho ba bantsi thata. A re babereki ba tshimo eo ba ne ba nna ba itapolosa fa setlhareng seo, a tlatsa ka gore ka dinako tsa morago ga thobo ditiro di tshwana le go photha mabele di ne di direlwa fa setlhareng seo. A bolela gape gore e ne e re fa basimanyana ba disitse leruo, ba ete ba huba maoto fa go sone. A re gape le batho ba motse ba ba neng ba dira ditiro tsa diatla ka nako eo jaaka go betla le go loga ba ne ba rata go phuthegela fa go sone go tla go direla ditiro tsa bone teng go tserwe dikgang go le monate. Bana le bone Rre Modise a re ba ne ba rata thata go tshamekela fa go sone ka dinako tsa motshegare ka jaana setlhare seo se le setona e bile se na le moriti o o kitlanyeng. “E ne e re ka nako ya fa setlhare seo se ungwile, bagolo le bana ba ne ba nna fela koo go jewa maungo a sone a a neng o ka fitlhela a le mantsi e re fa a budule sentle fa o leba kwa godimo go bo go bonala borokwa fela,” ga bolela monnamogolo Modise. A tswelela ka go tlhalosa gore ka jaana batho ba ne ba lemoga fa setlhare seo e le boremelelo ja bone, ba ne ba se bitsa leina ba re Mmamoremedi ke ka moo le jaana dikokomane tsa gompieno di fitlhelang leina leo e bile le bone ba le dirisa. economy_business_and_finance 3 Banni ba tsosolosa mokgatlho wa ba-na-le-bogole Banni ba metse ya kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami ba sa tswa go tlhopha maloko a masha a mokgatlho o o ikaelelang go emela ba--na-le-bogole morago ga gore o o kileng wa bo o le teng o phutlhame mo dingwageng tse di fetileng. Mogokaganyi wa mokgatlho oo, wa leina la Itekeng Batswapong Disability Association, Rre Moatshe Motoma o boletse bosheng kwa phuthegong ya go tsosolosa mokgatlho oo gore kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami e na le batho ba ba tshelang ka bogole ba le bantsi thata. Rre Motoma a re ka jalo go a tshwanela gore kgaolo e nne le mokgatlho wa mofuta o. A re maikaelelo a mokgatlho ke go bona ba-na-le-bogole ba sireletsegile, ba akola ditirelo tsotlhe tse di akolwang ke mongwe le mongwe e bile le ditshwanelo tsa bone di sa gatakiwe ka dinao. Rre Motoma a re mokgatlho o tlaa nna o amogela matshwenyego otlhe a ba-na-le-bogole. O ne a supa fa ba tlaa leka ka bojotlhe go ba thusa go rarabolola diemo tseo. A re gape mokgatlho o tlaa nna o kopanya ba-na-le-bogole mo lefelong le le lengwe gore ba kgone go itumela mmogo le go bua ka tse ba kopanang natso tsatsi le letsatsi mo botshelong. Rre Motoma a re gape mokgatlho o o eletsa go bona ba-na-le-bogole ba akola thuto e e maleba e bile ba kgona go akola le mananeo a a ka tokafatsang matshelo a bone. O boletse gore keletso e nngwe ya mokgatlho ke go bona kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami e na le sekole sa ba-na-le-bogole se se nang le ditsompelo tsotlhe. Rre Motoma o tlhalositse gape fa ba ikaelela go rotloetsa banalebogole go ribolola ditalente tsa bone gore le bone ka moso ba tsoge e le dikgantshwane mo lefatsheng leno. Le fa go ntse jalo, Rre Motoma o ne a bolela fa a le maswabi go bo go sa ntse go na le malwapa a a nang le ditlhong tsa go ntshetsa ba-na-le-bogole mo pontsheng. A re mokgatlho o o tsile go lwa le diemo tsa mofuta o. Rre Motoma a re go lemoga gore toro ya bone e diragetse, ba tlaa simolola go bona dingwe tsa dipharologanyo jaaka go bona ba-na-le-bogole ka bontsi ba tshela botshelo jo bo eletsegang. A re ba-na-le-bogole ba tlaa simolola go seke ba lebalwa kgotsa ba salela kwa morago mo ditirong tsotlhe tsa setshaba. Mothusa kgosi wa Sefhare, Kgosi Mpeo Mpeo o ne a supa fa a itumelela thulaganyo ya go tsosolosa mokgatlho wa ba-na-le-bogole mo kgaolong ya bone. Kgosi Mpeo a re ke nako ya gore kgethololo mo bathong ba ba tshelang ka bogole e nne selo sa maloba. A re go nna ba bewa kwa morago ga matlo go lebalwe mme ba newe tlotlo e e tshwanetseng. BOKHUTLO society 9 Monna o tla a kiba dingwaga tse thataro Monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le bongwe wa Moshupa o atlholetswe dingwaga tse thataro mo kgolegelong, ka molato wa go itseela dikobo ka dikgoka mo mosetsaneng mongwe wa Kanye. Rre yoo, ebong Obusitswe Molemi, go begwa fa a dirile molato oo a le dingwaga tse di lesome le borobabongwe, ka ngwaga wa 2012. Makaseterata wa Kanye, Mme Janet Phosa, a re Molemi o ne a sena mautlwelobotlhoko fa a thubetsa mosetsana yoo ka ebile a ne a dirisa dikgoka. Mme Phosa o ne a tlhalosa fa a tsere tshwetso eo a lebeletse gore ke lantlha Molemi a dira molato le gore ke monana. Gape o tlhalositse fa molato oo ole masisi, o tshwenya, ebile o baya bomme ka fa mosing. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Baithuti ba pele ba abela sekole E rile bosheng mokgatlho wa baithuti ba ba feditseng ka ngwaga wa 2000 ba sekole se segolwane sa Pekenene kwa Mahalapye wa PK2000, ba abela baithuti ba basetsana mesangwana. Maloko a mokgatlho o a supile fa go le botlhokwa go dira ka lorato ka bobotlana jo ba ka bo kgonang go fokotsa dikgwetlho le go tokafatsa seemo sa thuto. Ba supile gore dingwe tsa dikgwetlho tse ba ikaeletseng go di lwantsha ke tse di ba diragaletseng ka nako ya fa ba tsena sekole. Mogokgo Rre Bakani Itani o lebogetse maiteko a a dirwang ke setlhopha sa PK2000. Rre Itani o tlhalositse fa go aba mesangwana e se tiro ya ntlha e dirwa ke setlhopha seo mo sekoleng sa Pekenene. A re ba tsentse gape le mekwalo e e gakololang baithuti go ikgapha mo ditirong tsa borukutlhi le go itshwara sentle gore ba gole ba nonofile ba na le boikarabelo. Moemedi wa mokgatlho wa PK2000, Rre Paul Mosimanegape a re ba dira jaana maikaelelo e le gore dikgwetlho tse ba fetileng mo go tsone di seka tsa ipoeletsa mo go bomonnaabone. Rre Mosimanegape a re fa mosetsana a tlhaelelwa ke didirisiwa tsa botlhokwa jaaka mesangwana, o ka seke a nne a phuthologile, ka jalo a kgoreletsege mo dithutong. O rotloeditse baithuti go itlwaetsa mokgwa wa go abelana gore isago ba kgone go thusa ba ba nang le letlhoko mo botshelong. Mokhanselara wa kgaolwana ya Boseja/Flowertown, Rre Tumelo Koolekanye o lebogetse tiro e e molemo e e dirwang ke setlhopha sa PK2000, a supa fa go le molemo thata go bona ba kgonne go gopola kwa ba tswang teng. Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Emmanuel Chida o lebogetse mpho eo, a re seo se tlaa rotloetsa baithuti go itsolopanya go ntsha maduo. BOKHUTLO education 4 Kgosi o kgothatsa banana go le aramela Kgosi Kenatje Kandapaera wa Toteng o boletse gape fa go bulwa ga moepo wa kopore wa Khoemacau mo motseng oo go tlaa ngoka batho ba le bantsi; bangwe ba tla ka go batla ditiro fa bangwe ba batla go bula dikgwebo. Ka jalo o ne a kgothatsa banana ba motse go fetola boitsholo jwa bone fa e le gore ba batla go akola maungo a moepo o. “Fa banana ba rona ba ka supa boikarabelo ba tlaa akola maungo a moepo o, ka gore re le ba bogosi re kopile ba moepo oo gore fa ba hira, ba lebe pele banana ba motse le metse e e mabapi”, ga bua Kgosi. O boletse fa a sa jesiwe dilwenag ke dikgang tsa botlhoka tsebe jwa banana, a re gantsi ba amega mo bogodung, dititeo le botagwa. O ikuetse jalo mo potsolotsong bosheng, a supa fa banana ba tshwanetse go itse fa e le baeteledipele ba kamoso, ka jalo a ba gwetlha go ikgapha mo mekgweng e e ka ba senyetsang bokamoso. A re ba tshwanetse ba supa boikarabelo ka go tsaya karolo mo go tlhabololelng motse. A re boitshwaro jo bo makgasa bo ka leleka babeeletsi mo motseng le ntswa ba ne ba ka solegela banni molemo le gone go tlhabolola itsholelo ya motse. Kgosi o ne a bua gape ka bangwe ba ba tlang go batla ditiro a re go lemotshegile gore bangwe ba felela ba inaakanya le ditiro tsa botlhoka tsebe. Kgosi Kandapaera o kaile fa ba le mo lenaneong la go bitsa phuthego ya kgotla e maikaelelo a yone e leng go bua le banana ka boitsholo jwa bone pele ga moepo o bulwa. O supile fa ba kopile gore moepo o ba thuse go aga phaposi ya pelegiso kwa kokelwaneng le gone go baakanya tsela e e ralalang motse, a tlatsa ka go re ba solofela fa dikopo tsa bone di tlaa atlega. Ends economy_business_and_finance 3 Kgosi o kopa batsadi go tlotla thuto ya bana Kgosi James Tekanyo wa Kgoro o kopile batsadi ba motse oo go tsaya thuto ya bana ba bone tsia. O buile se bosheng mo moletlong wa kabo dimpho ya bathuti ba sekole, o o neng o tsenwe ke palo e potlana ya batsadi. A re o swabisiwa ke go bona batsadi ba goga dinao mo thutong ya bana mo ba palelwang ke go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana ga mmogo le meletlo ya kabo dimpho e go ipelelwang bontle jo bo dirwang ke baithuti. O tsweletse a tlhalosa fa go tlhoka go tsaya tsia thuto ya ngwana ke motsadi go ka digela tiro ya ngwana kwa tlase e bile go tsenya tlhaloganyo ya gore thuto ga e na mosola. O tsweletse a ikuela mo batsading gore ba iketlele go roma bana dinnotagi ka seo se ka ba rotloetsa go simolola dinnotagi ba sa ntse ba le bannye. A re seo se supa gore motsadi o a bo a sena boikarabelo. Mogolwane wa pele wa thuto mo kgaolong ya Good Hope Rre Basel Ncaagae a re o lemogile fa thuto e wela kwa tlase mo kgaolong ya Barolong le mororo e sa duelelwe,mme se se dirwa ke go ikgatholosa thuto ya bana ba bone. education 4 Lephata le monela marulwana pele E
 re ntswa lekalana la dipalamo le ipabalelo tseleng le itlhokoletsa go 
gakologelwa ba ba tlhokafetseng ntateng ya dikotsi tsa tsela , mo kgweding ya
 Ngwanatsele monongwaga e e tlaa tshwarelwang kwa Lechana mo kgaolong ya
 Palapye, ba simoletse go monela marulana pele ka go simolodisa metseletsele ya
 dithuto-puisano le ba-na-le seabe mo go tsa mesepele. E rile ba buisana le bakgweetsi ba dipalamo tsa 
setshaba, ba ditaxi le bo radibase, go tla go abelana maele a ka fa go ka
 tokafadiwang ka teng go thusa le go direla setshaba ka botswapelo, segolo jang 
mo kgaolong eno ya Palapye, ba tshwaragane le botsamaisi ja lephata leo le
 botlhe ba ba amegang mo mererong ya tsa dipalamo, jaaka ba diragatsa molao,
ebong mapodise, ba lekalana la MVA, batlhatlhobi ba dikoloi le ba ditsela. E rile a ba tlhalosetsa ka 
maikaelelo a bokopano ja bone le bakgweetsi ba dikoloi tsa setshaba,
molomaganyi wa tsa ipabalelo tseleng Mme Lorraine Gaolebale a supa fa ba
remeletse mo go tokafatseng tirisano mmogo le botsalano fa gare ga bodirisi ja
dikoloi tsa setshaba le bakgweetsi ba tsone, ka maikaelelo a go ba tlhatlhelela
ka botlhokwa ja ipabalelo tseleng mo dikoloing tsa setshaba. Mme Gaolebale o ne a re ba
tshwengwa thata ke dikgang tse di tsenang kwa go bone tsa go sa itumedisiweng 
ke ka fa bakgweetsi ba dikoloi tsa setshaba ba tsayang bapalami ka teng, sengwe
 le go gana go ba isa kwa ba yang teng ka ditaxi, fa dikoloi tsa mesepele e
meleele bone ba gana go pega ba metse e e gaufi jaaka ba masimo le meraka. O ile a re go nna teng ga dikoloi tsa setshaba, ke gore go nne le pabalesego ya matshelo a bapalami,
morago ga gore puso e tshwenngwe ke tatlhegelo ya matshelo a setshaba mo 
dikoloing tsa beng letsatsi le letsatsi, a re bokopano ke go tswa ka 
tharabololo ya mathata le matshwenyego a ba a itemogelang mo tirong ya bone
letsatsi le letsatsi e le bakgweetsi le go baakanya seemo. Mo thuto-puisanong eo, go ne
ga akarediwa dithuto di le mmalwa, jaaka tsa tiriso ya setimamolelo, segolo
jang mo dikoloing tse di rwalang setshaba. E ne ya re a tlhalosa ka boripana,
Rre Joseph Kaelo go tswa kwa go ba setima molelo sa khansele-potlana ya
Palapye, a tlhalosa ka fa se dirilweng ka teng le ka fa dikese tse di mo teng 
di timang moleleo ka teng. O boletse gape fa gape fa mefuta ya ditima melelo e
le mentsi , ebile e farologana. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Malikongwa o akgola lenaneo la maranyane Dipuisanyo le ditlhaeletsanyo ka go farologana ga di sa tlhole di tshwana le bogologolo. Botshelo bo fetogile ka bonya ka bonya mme Batswana ba amogetse diphetogo tse. Diphetogo tse ga di a ka tsa fetola ngwao ya fela, mme di ne tsa tlhabolola matshelo a bone, ke gone ka moo ditirelo di le dintsi di leng bonako go dirwa ntateng ya maranyane. Se se builwe ke monnamogolo Rre Unangoni Malikongwa yo o dingwaga di masome a supa le boraro yo o ithutileng ka dikgang tsa ditlhaeletsanyo ka maranyane mo lenaneong la kitso ka maranyane kwa motlobong wa dibuka wa Nata. O tlhalositse fa a ne a bona go le botlhokwa go tsenelela dithuto tsa maranyane a dikhompiutara ka 2014 gore a anywe botsipa jwa go kgona go a dirisa mo botshelong. “Dithuto tse ke mahala, ka jalo ke ne ka fetsa mme ka abelwa setlankana se se supang gore ke weditse dithuto tsa me sentle, mme se sa ntira motlotlo ka gompieno ke kgona go buisanya le batho ka maranyane,” go buwa Rre Malikongwa. A re mo dinakong tsa bogologolo go ne go dirisiwa mekwalo mo pampiring go tlhaeletsana, mme go ne go tsaya lobaka go arajwa, mme go diriwe fela jalo go fitlhelela kwa phelelong ya puisanyo. A re mo nakong ya segompieno go na le maranyane a a tlhofofatsang dipuisanyo mo go solegelang batho molemo. O supa fa ditirelo tsa bogologolo di ne di le bonya mme o leboga gore dikhomputara di ne tsa tla ka go fefosa dipuisanyo le ditirelo tse dingwe ka go farologana. Rre Malikongwa o tlhalosa fa a ne a seka a ipona tsapa a re ke monnamogolo go tsenelela lenaneo la ithutuntsho ya tsa maranyane mo motlobong wa dibuka. A re malatsi ano melaetsa le dikgang tse di botlhokwa o di tsaya mo maranyaneng a inthanete. “Ke dirisa khomputara go bala dikgang mo dipampring tsa dikgang tse di mo inthaneteng,” a rialo. A re se se boloka madi a gagwe a a neng a reka dipampiri ka one gape go fokotsa matlakala ka ga a sa tlhole a rwele dipampiri tsa dikgang. A re go botlhokwa go nna le kitso ka tsa maranyane, segolo bogolo ka megala ya segompieno e tshwana fela le dikhomputara. A re seo se tlaa dira gore ba le bantsi bagolo ba kgone go dirisa megala eo ba seka ba salela morago. Rre Malikongwa a re le go reka dilwana kwa mafatsheng a sele o dirisa yone khomputara ka a bua le barekisi ka khomputara mme se se mmolokele nako le madi a go tsaya loeto a ya go reka tse a di tlhokang. O tlhalositse fa batho ba sa lemoge fa motho a gola le thuto, ka jalo bagolo ba tshwanetse go ithuta nako le nako ka ba tshela le yone. A re batho ba itlhokomolosa dilo tse di botlhokwa ba re ke tsa sesha ntswa ba tshela le tsone. “Bagolo ba tlhoka ditirelo tsa sesha, ka jalo ga go na kwa ba ka di tshabelang teng fa e se go di amogela fela,” Rre Malikongwa a tlhalosa. Rre Malikongwa o gakolola banana le bagolo go nna ba ithuta ka dinako tsotlhe gore dilo di le dintsi di nne motlhofo. BOPA education 4 Baikopedi ba nyeletso lehuma ba tlhoka ditlamelo Mogolwane wa lenaneo la nyeletso lehuma kwa ofising ya ga Tautona, Rre Ian Tema o kopile batsamaisi ba lenaneo kwa dikgaolong ka go farologana go thusa baikopedi ka didirisiwa tse ba di tlhokang gore ba kgone go simolola dikgwebo. A re mo dinakong tse dingwe, batsamaisi ba mananeo a nyeletso lehuma ba neela ba ba ba thusang didirisiwa dingwe tse ba di tlhokang mme ba bo ba sa boele kwa go bone go ba neela tse di setseng. Rre Tema yo o neng a bua kwa bokopanong jwa khansele-potlana ya Serowe ka Laboraro, a re ba lemogile fa ba ba thusiwang, ba neelwa tse di setseng morago ga sebaka se seleele fa gongwe ba bo ba felela ba ikuela. A re fa moikopedi a sa fiwa tsotlhe tse a neng a tshwanetse go di fiwa, go tshwana fela le fa a sa bona thuso. A re mo dinakong tse dingwe, yo o thusiwang o tlaa bo a ikopela go apaya borotho, a bo a fiwa didirisiwa tse dingwe jaaka dipitsa le setofo go bo go sala gore a neelwe borotho jo a tlaa bo apayang mme a bo a felela a ema go sena gore o ka dira jang. Rre Tema a re go na le ditiro di le masome a mane le botlhano ka fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma, le moikopedi a ka tlhophang mo go tsone, a lebile mabaka a gagwe le gore a seo se ka mo tswela mosola. A re moikopedi o ka kgona go kopa lenaneo lengwe le a ka itshetsang ka lone mme le seyo mo go a a leng teng. Fa go ntse jalo, go tlaa bo go sekasekwa fa le letlwelelwa a bo a le neelwa. Rre Tema o ne a itsese makhanselara a kgaolo-potlana ya Serowe fa go rekilwe metshini e e tlaa dirisiwang ke baikopedi ba lenaneo la nyeletso lehuma go tlaleletsa mo mananeong a a leng teng le gore baikopedi ba kgone go bona mmaraka o ba ka rekisetsang kwa go one. A re metshini eo, e tlaa thusa mo dikgwebong di tshwana le tse di dirang dipampiri tse di dirisiwang kwa ntlwaneng, melora e e tlhatswang le e e tlhapang le tse dingwe. O supile fa mo kgaolong- potlana ya Serowe, baikopedi ba le 2 695 ba ne ba ikopela go thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma mme ya re ba sena go sekasekwa, ga amogelwa dikopo tsa ba le 2 086. A re ba le sekete, makgolo a mabedi, masome a matlhano le bosupa ba setse ba isitswe dithutong tsa nyeletso lehuma mme ditiro di le sekete le lesome le botlhano di setse di filwe dithuso tsa madi fa di le makgolo a supa, masome a mararo le borataro di tsweletse mme tse masome a mararo le boraro di tsweletse sentle e bile di ka kgona go itsamaisa. A re mo ditirong di le makgolo a supa, masome a mararo le borataro tse di tsweletseng, ba le makgolo a supa, masome a mararo le borobabobedi ba kgonne go bona ditiro fa baikopedi ba le sekete le borobabobedi ba emetse dithuso tsa madi. Rre Tema o ne a kopa ba ba tsamaisang lenaneo la nyeletso lehuma go gakolola baikopedi ka ditiro tse ba di ikopelang le go ba tlhalosetsa fa di setse le tletse kana di na le mathata. A regape ba tshwanetse go ba bolelela boammaaruri ka mananeo ao. economy_business_and_finance 3 Kedikilwe o akgola balemi ba Tlokweng Mothusa Tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe o akgoletse balemi ba Tlokweng go nna le seabe mo go direleng lefatshe leno dijo. Dr Kedikilwe, yo o neng a etetse balemi ba ba botlana ba kgaolo ya Tlokweng bosheng, a re le fa go lengwa masimo a mabotlana mo kgaolong eo, balemi ga ba a ka ba kgobega marapo mme ba tswelela ba tsenya marapo dinameng. O rotloeditse balemi go tswelela fela le fa go na le dikgwetlho jaaka mhero le go senngwa ga dijalo ke diphologolo. O ne a ba kopa gore ba sole molemo go nna gaufi ga bone le toropo kgolo Gaborone le fa a itse dikgwetlho tse di bakilweng ke gone go nna gaufi le toropo kgolo. Mothusa Tautona o boletse gore go nna le seabe ga bone mo go ntsheng dijo mo lefatsheng leno go tlaa dira gore Botswana a kgone go ijesa. A re lefatshe leno ga le kake la kgona go ikaega ka mafatshe a le bapileng le lone gore a le direle dijo. O boletse gape gore go reka dijo kwa ntle ga lefatshe leno, go rontsha balemi go tlhabolola temo. A re go na le sebaka se sentle sa go tlhabolola temo mo lefatsheng la morafe, a tlatsa ka go re balemi ba ka reka didirisiwa tsa temo jaaka diterekere go itlhabolola. Mothusa Tautona o boletse gore go tlhabolola mhama wa temo-thuo go ka tlhama mebereko le go nyeletsa lehuma. Dr Kedikilwe o ne gape a rotloetsa balemi go inaakanya le temo ya segompieno gore ba bone thobo e e botoka. Erile Kgosi Puso wa Batlokwa a mo kgwa dikgaba, a lebogela loeto lwa gagwe a re lo tiisitse balemi moko. O solofeditse gore morafe o tlaa dira mo o ka go kgonang go tlhabolola matshelo a one. O boletse gore morafe o tlhomile lekgotla la ditlhabololo e bong Batlokwa Development Trust go thusa go neela morafe dithata tsa itsholelo tse di tlang ka temo-thuo. Mongwe wa balemi, Rre Abel Katse o ne a bolelela Mothusa Tautona gore thulaganyo ya ISPAAD e tlhabolotse temo-thuo mo kgaolong eo. A re balemi ba le 331 ba lemile diekere di le 871 a ba a re bontsi jwa bone ba di jetse ka ditselana. A re ba lebaganye le dikgwetlho di tshwana le go jelwa ke diphologolo, mhero le tlhaelo ya masimo a a ka lengwang. Balemi ba bangwe ba ne ba ngongorega ka masimo a a sa lengweng le ba ba utswang mo masimo.Bokhutlo society 9 Tlhokomelo ya mmele e botlhokwa Moitseanape wa dijo go tswa kwa National Food Technology Research Centre, Mme Galase Ramolete a re go botlhokwa go ja dijo tse di nang le dikotla e bile di na le boleng. Fa a bua kwa mogwantong wa lephata la ditsha la Ngwaketse bosheng, Mme Ramolete o boletse fa go le botlhokwa go ja dijo tse di nang le dikotla ka di thusa mmele go nna le bokete jo bo lekanetseng le go o thatafatsa. Go ja dijo tse di lekanetseng e bile di na le dikotla go thusa gore motho a gole sentle a phuthologile le kakanyo. O ne a gakolola ba ba nang le kgatlhego ya go thuba mebele go dira jalo ka go ja dijo tse di maleba. A re dijo di tshwana le rantlhasi, nama, merogo, maungo le mafura a Olive kgotsa Canola, di siametse mebele fa di jewa ka selekanyo. Le fa go ntse jalo, Mme Ramolete o boletse fa mafura a mantsi a le kotsi ka a ka kaba ditshika. O kaile fa tiriso ya bojalwa le go goga motsoko go sa siamela mmele ka dilo tseo di bolaya dikarolo dingwe tsa mmele. Bokhutlo health 6 Ga se nako ya go jesa letlhaka - Mokgosi Go bolelwa fa monongwaga go tlaa dika go le leuba ka jaana dipula di le boutsana ebile di tsile morago ga nako. Mafoko a, a boletswe ke mothusa kgosikgolo wa Balete, Kgosi Tsimane Mokgosi, mo phuthegong ya kgotla bosheng. Kgosi Mokgosi o tlhalositse fa seemo se se amile le phulo, mme ka maswabi batho bangwe ba setse ba buletse dikgomo go jesa letlhaka, mme ba bogosi ba ise ba rebole go jesa letlhaka. O boletse gore ka molao wa Selete, fa barui ba lemoga gore ga gona phulo, ba tshwanetse go buisanya le ba bogosi pele ga ba itseela tshwetso ya go jesa letlhaka e se ka nako. Kgosi o boletse fa monongwaga go sena mabele mo go rayang gore ga gona letlhaka, ka jalo a kopa Balete go ba lebalebisa gore ba ka dira jang ka kgang ya bojale. Kgosi Mokgosi o boletse fa go tlhabolola metshameko ya Setswana e le yone tlhabologo, a supa fa metshameko e e le monate mme ebile e sa ture. O boletse fa matshwenyego a matona e le a batho ba ba tshamekang ditaese, ba sa dire tiro e ba e thapetsweng, a bo a supa fa bangwe ba senya metsahmeko e ka kgang ya go dirisa madi. O tlhalositse gape fa metshameko e ka bopa setshaba, ka jalo a kopa Batswana go rata segabone. Erile ba tswa la bone, Balete ba ne ba kopa gore Batswana ba boele maropeng. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Men Care e alosa borre Borre ba kgaolo ya Mahalapye ba le lekgolo le masome a matlhano ba ne ba aloga morago ga go tsena dithuto tsa go nna le karolo mo kgodisong ya bana ba bone le go thusa bakapelo ba bone ka ditiro tsa mo lapeng. E rile a bua kwa moletlong wa kaloso, mookamedi wa lekgotla la Men Care, Rre Desmond Lungah, a re ithutuntsho e e simolotse ka kgwedi ya Motsheganong monongwaga. Rre Lungah a re moono mogolo wa dithuto tse e ne ele go ruta borre go ka nna le seabe mo kgodisong ya bana ba bone le go thusa ka ditiro tsa mo lwapeng go hema kgokgotsho ya bomme. Moitseanape wa tsa bong kwa United Nations Population Fund ( UNPF), Mme Kealeboga Dambuza o ne a rotloetsa dialogane gore ba tsepame mo go se ba se ithutileng, ka ba tlaa kopana le dikgwetho fa ba diragatsa se ba se ithutileng. Mme Dambuza a re dithuto di ne di itebagantse le borre ga di a tlwaelesega mo setshabang ka go le gantsi go rutiwa bomme le bana ba basetsana. A re ngwao ke selo se se fetogang e bile ga go a tshwanela gore e re rre a belege ngwana kana a mo isetse kokelong a bo a sa lebiwe sentle. O ne a gakolola dialogane gore ba se lebele ngwao ko tlase mme ba rute ba bangwe gore e a fetoga le dingwaga mme ba tshwanetse fo fetoga le yone. O ne a lebogela dithuto tse, a kaa fa di tla a dira dtiro ya lephatla la gagwe motlhofo ya go rotloetsa boimana jo bo baakanyeditswe le pelegi e e babalesegileng mme se se ka diragala fa go na le therisanyo mo lapeng. Dialogane di ne tsa supa fa ba ithutile go le gontsi mo dithutuntshong tse ka jaanong ba itse gore rre fela jaaka mme o ka godisa ngwana. Ba re ba ithutile gore go tisa madi mo lwapeng ga go a lekana, ba tshwanetse go dira go feta foo go supa gore ba a kgathala. Ba re ba ithutile go tsaa dikgakololo mo go ba bangwe fa ba na le mathata le go botsa fa ba sa tlhaloganye gore ba nne le kitso. Ba ne ba tlhalosa gore bokopano jo bo ba thusitse go ithuta mo go ba bangwe ka nako e ntsi ba kopanela ko dibareng, le mafelo a mangwe a a sa ba sologeleng mosola. education 4 Morafe wa Kokong o amogela kgosi Kgosi-kgolo ya Barolong, Kgosi Letlaamoreng II a re tiro ya bogosi ke go tshwaraganya le go atisa tlotlano mo morafeng. Kgosi Lotlaamoreng o buile se kwa Kokong mo kgaolong ya Borwa fa a tlhoma Kgosi Kemolatoletswe Moalafi II go nna kgosi ya motse oo bosheng . O ne a tlhalosa gape fa maemo a bogosi a raya gore o tsile go kopana le batho ba bantsi ka jalo gole botlhokwa go tsaya batho botlhe ka tekatekanyo. Kgosi Lotlaamoreng o ne gape a gakolola Kemolatoletswe go dirisa bodiredi jwa kgotla go tsweledisa dithulaganyo tsa morafe, mme ka jalo a tshwanetse a ela tlhoko gore bodiredi ga se bone bo mo tseelang ditshwetso. O ne a bolela gape gole botlhokwa gore kgosi a itse molao gore a tle a tsamaise dikgang tsotlhe tse di tlang ko lekgotleng a tsipame. A re Rre Moalafi o tshwanetse go netefatsa gore dikgang tsotlhe tse a amanang le tsone di tla mo kgotleng pele eseng go di utlwalela mo ditseleng ka di ka baka mathata. E rile a rolela ngwana bogosi, Rraagwe Kgosi Kemolatoletswe, Kgosi Moalafi I a re a bolela fa Rre Moalafi II a tsile go tsweledisa mosepele o a saleng a o simolotsele. A re bokoa le bogodi di iteleketse ke sone se a neelang ngwana setilo.vare ene o tla tswelela ka go naya bogakolodi fela jaaka moagi mongwe le mongwe wa kokong. E rile a tswa la gagwe kgosana yo o sekisang, Rre Kemolatoletswe Moalafi II a bolela fa letsatsi leo le se kitla le lebalesega mo morafeng wa kokong. Rre Moalafi o ne a bolela fa maikaelelo magolo a gagwe ele go bopaganya morafe segolo jang go atamalanya bora lekgotla ba dikgotlana popagano tse di bopang motse wa kokong. O boletse gape fa ele keletso ya gawe go simolodisa dikgafela morago ga thobo ngwe le ngwe. O ne a leboga morafe wa kokong le batsadi jwa gagwe go bob a nnile le tshepo mo e ne, mme o ne a ba solofetsa gore o tlaa nna motlhanka le modisa wa bone. BOKHUTLO society 9 Dirisang maranyane a segompieno Mogwebi yo o tumileng kwa kgaolong ya Bobirwa, Rre Mosalagae Seosupeng, o rotloeditse bagwebi ba kgaolo eo go dirisa maranyane a segompieno. O ntshitse kgakololo eo kwa thutopuisanong ya bagwebi ba kgaolo ya Bobirwa, e e neng e tshwerwe kwa Bobonong bosheng. Rre Seosupeng a re bagwebi ba tshwanetse ba aga dikago tse di nonofileng go sireletsa dithoto. O ba rotloeditse gape go dirisa dikapa ditshwantsho tsa maranyane a segompieno go sireletsa dikgwebo tsa bone, tse a reng di ka ba senolela motlhofo maretshwa otlhe a borukutlhi a a diragalang mo madirelong a bone. A re ba tshwanetse ba dirisa dipolokelo tsa madi tse di tiileng ba bo ba baya madi a a lekanetseng mo madirelong le kwa malwapeng ka gore a mantsi a ka oka magodu. O ba tlhaloseditse gore ba kabakanye dikgwebo, a bo a ba fa sekai sa gore jaaka puso e ithola ditiro dingwe, bogolo jang ya go agela barutabana matlo, ba tshwanetse ba inaakanya le kgwebo ya go aga matlo ba a hirisa. Modulasetilo wa komitikgolo ya bagwebi Rre Sediba Robert, o rotloeditse bagwebi go tshwaragana le go tswa ka maano go hema borukhutlhi le go ithuta go sireletsa dithoto le matshelo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ba feta 47 000 ba ikwadisiditse kwa Kgatleng Batho ba le 47 384 ba ikwadiseditse ditlhopho kwa Kgatleng. Fa a rola pego bosheng, modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong, o boletse fa lekgotla la ditlhopho le boletse fa go ikwadisitse batlhophi ba le 23 263 kwa kgaolong ya Mochudi Botlhaba le ba le 24 121 kwa Mochudi Bophirima. A re batlhophi ba kwa Mochudi Botlhaba ba dira 53 per cent ya setshaba sa kgaolo eo, mme ba ba ikwadisitseng kwa Mochudi Bophirima ba dira 51 per cent. Rre Morolong a re dipalo tse di ka fetoga go ya ka mabaka a farologanyeng jaaka khudugo ya batlhophi, dintsho kana thurifatso ya buka ya maina a batlhophi. O supile fa thulaganyo ya go sekaseka buka ya maina a ba ba ikwadiseditseng ditlhopho e tsweletse, ka jalo a kgothatsa setshaba go ikatumetsa ofisi ya ditlhopho go rurifatsa fa maina a le maemong a mantle. Rre Morolong a re ofisi ya ditlhopho e mo tirong ya go thapa bodiredi jo bo tlhophisang, mme tsholofelo ke gore ba tla wetsa kgwedi ya Phukwi e wela. Fa a tshwaela ka seemo sa madi, Rre Morolong a re puso e amogetse kopo ya bone ya dithuso tsa madi a selekanyo sa P148 585. 005 go tsamaisa khansele le go fa setshaba ditirelo mo ngwageng wa 2019/2020. O supile gore madi a khansele e itlamileng go a itirela ke P10 074 835, mme se se tlisa madi otlhe a ngwaga kwa go P158 659 840. “Mo mading a, re setse re amogetse P37 119 566 go simolodisa ngwaga,” ga tlhalosa Rre Morolong. A re kgwedi ya Seetebosigo e le lesome le bofera bongwe, madi otlhe a a phuthilweng ke khansele a ne a le selekanyo sa P886 583 e le bontlha jwa seelo sa P1 632 125.67 se ba se ipeetseng mo kgweding eno. Rre Morolong a re madi a a dirisitsweng one a tsamaa mo go P23 604 142.05, mme a supa gore ga ba a kgona go fitlhelela seelo sa tiriso ya madi sa P39 664 960 ka ntlha ya dithulaganyo tsa tsamaiso ya theko tse di tsweletseng. A re go maleba gore a kgothatse khansele gore monongwaga ba itsolopanye go fitlhelela maikaelelo a bone a go naya ditirelo ka nako le tiriso madi e e netameng. “Go mo maruding a rona go phutha dikoloto tsotlhe le go loga maano a masha a go oketsa metlhale ya go tsenyetsa khansele madi. Go dira jalo go ka re kgontsha go isa ditirelo ko sechabeng re sa faapane le maitlamo le ditsholofetso tsa rona,” a rialo Rre Morolong. politics 7 Balemi barui ba lela sa khuranyo ya meno Balemi barui ba meraka le masimo a Madiope, Majale le Manyohonye, ba lela sa maiyoo mabapi le tshenyo e e dirwang ke ditlou le diphiri, tse ba tlhalosang fa di setse di ba koafaditse hela thata ebile, di beile matshelo a bone ka fa mosing. Mme Sefilaro Patane, yoo o dingwaga tse di masome marataro le borobabongwe,yo e leng mongwe wa balemi-barui ba moraka le masimo a Madiope,o buile a sa kgwe mathe, mabapi le ditlou tse a kaileng fa di le borai fela thata mo matshelong a bone. “Ga re sa tlhola re disa sentle ka phuthologo , ka ditlou di gobea gongwe le gongwe hela. Fa dipodi di tsaletse kwa nageng kana di sa boa ga gona se re ka se dirang fa e se go di tlogela fela le go itlhoboga.” O ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba latlhegelwa ke leruo le ba beileng mo go lone go itshetsa le go tokafatsa matshelo a bone. Mme Patane o tlhalositse fa ditlou di tsena mo masimong a bone mme di ba senyetse fela thata. A re fa ditlou di mo jetse maphutshe le magapu otlhe mo tshimong. A re gape ba tshwenngwa le ke nkwe e le yone e ganyaolang leruo la bone. O tlhalositse fa kgang ya diphiri e tshwenya hela thata mo morakeng wa bone ka di setse di bolaya le motshegare. O kaile fa ba setse ba kile ba ya go ikuela kwa go ba lephata la diphologolo le makgabisa naga mme ga se ka ga tswa tema epe, ka ba ne ba ba tlhobosetsa fa go sena ka fa ba ka thusang ka teng ka masimo a bone a le kwa morakeng le gore ba a letlelelwa go ka ipolaela diphologolo di tshwana diphiri fa di ba senyetsa. O ne a thalosa gape fa e ne ya re bosheng, tlou ya rata go gapela mongwe wa badisa botshelo morago ga gore e bogolwe ke dintsa tse a neng a na natso. A re ka bo madimabe tsa tshabela kwa a neng a le teng, kwa e rileng go e bona a iphalotsa ka go tsena fa gare ga moraka wa dikgomo oo neng o tswa mahulong. Mme Patane o tlhalositse fa le ene a ne a a kopana le tlou phakela a tswa nokeng mme a iphitlha go iphalotsa. Mme Patane o ne a tlhalosa fa bontsi jwa ditlou tse di sailang gongwe le gongwe tseo, di bakwa ke terata e e oleng, e e setseng e phuagantswe fela, e bile e sa tlhola e gokeletswe motlakase jaaka pele. A re seo se bakile gore le lone leruo la bone ka nako tse dingwe le tlolela ka kwa ga terata. Fa a ntsha la gagwe Mme Selelo Machete o ne a tlhalosa fa e ne a re pele, a rata go feletswa leruo ke nkwe e e kileng ya bo e ba tlhorontsha thata ka go ba jela leruo, mme seemo e rile go ritibalanyana ga simolola ga tshwenya thata diphiri di setseng di bolaya le motshegare. Mme Machete o ne a tswelela ka go tlhalosa fa e ne ya re ka kgwedi ya Phalane ngogola, phiri ya tsena mo lesakeng la gagwe mme ya ganyaola bontsi-ntsi jwa dihutshane tsa gagwe.One a thalosa fa ekile yare ngwaga mongwe gape ya bolaya dinku di le thataro morago ga gore di lale nageng. O ne a tlhalosa fa diphiri tseo, gape di ne tsa bolaya letsomane la mmangwaneagwe ka bontsi, morago ga gore di ganyaole dikoko tsa gagwe. Fa a akgela tebang le tsenyo ya ditlou, Mme Machete o ne a tlhalosa fa e ne kwa tshimong a gagwe ditlou di mo senyetsa ngwaga le ngwaga ka di kgaola terata le go ja dijalo. society 9 Kgosi o rotloetsa bomme go ipelega Kgosi wa Senete a re ga a jesiwe di welang ke bomme bangwe ba ba sa batleng go bereka go tokafatsa matshelo a bone ba beile mo go borre fela. Mo puisanong bosheng, Kgosi Wilson Mothowetsho o tlhalositse fa bomme ba bontsi jwa bone e leng banana ba sa batle go bereka ba ikaegile ka borre. A re ba batla go tlhola ba ntse fela mo malwapeng ba sa dire sepe ba ikantse madi a ba a fiwang ke bakapelo ba bone.O boletse fa mokgwa o o sa siama ka o baka dintwa fa wa mme a sa tlhole a batla go dirisana le wa rre. Kgosi o supile fa bomme ka bantsi ba tla go ikuela kwa go ene fa matshelo a bone a setse ale mo diphatseng. O tsweletse ka go tlhalosa fa bangwe ba inaakantse le go inyadisa mo go seng ka fa molaong mme morago go bake mathata.A re bangwe ba nna le batswakwa ba ba tseneng mo lefatsheng e se ka fa molaong mme morago fa go nna le mathata a bolwetse kana dintsho ba tle go kopa thuso kwa go ene.O kgadile a sa kgwe mathe batsadi ba ba rotloetsang bana ba bone go inyadisa a re ba oketsa dipalo tsa dipolaano tsa maratani mo motseng. A re motsadi o tshwanetse go kgalemela ngwana wa gagwe fa a bona a nna le motho a sa mo nyala le go mmontsha bodiphatsa jwa go dira jalo.O supile fa go nna thata mo go ene go thusa fa batho ba ntse lebaka ba sa nyalana ka a tshwanelwa ke go kgaoganya dithoto tsa bone mme tsheko e nna thata fa go na le bana kana mongwe wa bobedi joo a sa bereke. Kgosi o boletse fa a akgola bomme ba ba tsweletseng ka go tlokafatsa matshelo a bone ka go tsenelela metshelo le go itirela dikgwebo ka go farologana a re se se supa tebelopele.A re bangwe ba ikwadisetse kwa thuto gaegolelwe go ithuta go bala le go kwala. A tlhalosa fa ba rutiwa le ditiro tsa diatla. Mo go tse dingwe o boletse fa ba sa robale ke ditlou tse di ba senyetsang kwa masimong a tlhalosa fa bontsi jwa batho ba setse ba tshaba le gone go ya masimong.A re ba solofela fa seemo se tla boela mannong ka ba lephata la diphologolo tsa naga ba na le malatsinyana ba le mo motseng morago ga gore batho ba ikuele kwa go bone. society 9 Emisang go utswa batlhophi - Seeletso Kgaolo ya botlhophi ya Nkange ke nngwe ya tse di di gogang kwa pele ka go utswa batho kwa mafelong a sele go ya go ikwadisetsa ditlhopho. Se se builwe ke mookamedi wa lekgotla le le tsamaisang ditlhopho, Rre Grabiel Seeletso kwa phuthegong ya mapolotitki bosheng. Rre Seeletso a re ke maikarabelo a Motswana mongwe le mongwe go ikwadisetsa kwa a batlang go ya go tlhophela teng, e ka nna kwa masimo, moraka, kwa a berekelang teng kana kwa a tswang teng. Rre Seeletso o tlhagisitse mapolotiki go tlogela mokgwa wa bone wa go utswa batlhophi ba ba isa kwa mafelong a e seng a bone. A re ofisi ya gagwe e tshwenyegile thata ka seemo seo, ka jalo o kopile mapolotiki go tshwaraganela tiro e e masisi eo gore botlhe ba fitlhelele maitlamo a bone. O tlhagisitse mapolotiki ba ba dirang ditiro tsa go nna jalo go di emisa, esere motlha mongwe ba iphitlhela ba le mo ntlong e e lefifi. A re go dira jalo ke go isa seriti sa phathi ga mmogo le bone batho ba ba emetseng kwa tlase. O tsweletse a re mapolotiki a seka a nna sekgoreletsi mo poeletsong ditlhopho ya bofelo e e tla a simololang kgwedi ya Motshegangong e tlhola letsatsi go fitlhelela e le lesome le borobabedi. A re go na le bangwe ba ba kukunelang bana bosigo go kwadisa batho kwa malwapeng mo go seng ka fa molaong. Rre Seeletso o kopile dikgosi le baruti go gasa molaetsa kwa setshabeng ka masetla gore ba ikwadisetse ditlhopho ka dipalo tse di kwa godimo. O tsweletse a kopa mapolotiki go lebelela buka ya maina a batlhophi ka nako gore batle ba kgone go dira dipaakanyo fa go tshwanetseng ka bofefo. Fa a mokgwa dikgab, mokhanselara Tabona Saulo wa Senete, o boletse fa kgang eo e ba tshwentse fela thata mo kgaolong ya bone, e bile o lebogela go bo ofisi ya ga Rre Seeletso e itse ka dikgang tseo. O tlhalositse fa dikgang tseo ele boammaaruri, a re, go utswiwa batho ba ba dikobo dikhutshwane ka go okisiwa. O kopile ofisi ya ga Rre Seeletso go tsenya leitlho thata mo kgaolong ya botlhophi ya Nkange a re, selo seo ga se ba robatse. Fa a tswa la gagwe, Mokhanselara Dema Jesi wa Nkgange, a re, puso e dire molao o tla a sireletsang batho ba ba okisiwang le gone go fa balaodi dithata tsa go tsaya dikgatho ka tsamaiso ya ditlhopho. A re, fa go sena molao, go thata gore batho ba ka tseelwa dikgatho tsa go nna jalo ka gore yo o tsayang batho, o ba tsaya ka madi a gagwe. BOKHUTLO politics 7 Tikologo e e phepa konokono Babereki ba puso ba ba direlang kwa Mogorosi mo kgaolong ya Legare e rile bosheng ba bolotsa letsholo la go phepafatsa tikologo ya motse o ba direlang mo go one. Babereki ba, ba ne ba gatelela botlhokwa jwa go nna mo tikologong e e phepa ka go nne go tsisa botsogo jo bo siameng nako tsotlhe. Modulasetilo wa komiti ya badirela puso ya motse oo e bile e le mogokgo wa sekolo se segolwane, Mme Josephen Madikwe a re jaaka ba direla mo motseng o, ba tshwanetse go o tsaya e le wa bone ka jalo go botlhokwa go tsaya karolo go o direla go godisa ditlhabololo tsa one. A re motse wa Mogorosi o itsege ka go di goga kwa pele fa go tla mo go phepafatseng tikologo ka jalo ba bone go le matshwanedi go tsweledisa tema ya go nna sekgantshwane mo dikgaisanong tsa go phepafatsa. O supile fa badirela puso ba motse oo ba tshwaragane ba le seopo sengwe ka jalo a tlhalosa fa go ba thusa go rarabolola mathata fa ba kopana le one. Mme Madikwe o tsweletse a tlhalosa fa ba itlama go tswelela ka go direla motse oo ka a re ba mo moonong wa go tokafatsa ofisi ya kgosi wa motse oo ka go e rekela tse e di tlhokang. Mooki mogolo wa kokelwana ya motse oo Rre Keabetswe Ben a re go botlhokwa go phepafatsa tikologo ka gonne tikologo e e leswe e rotloetsa malwetsi a tshwana le malaria a a felelang a gapa matshelo a batho. Rre Ben o tsweletse ka go tlhalosa fa bophepa bo tsisa seriti mo mothong. A re go le gantsi setshaba se se tlwaelesegileng ka go leswefatsa tikologo se tshabelelwa ke bothata jwa malwetsi mme a rotloetsa batsenela phuthego eo go simolola go phepafatsa kwa malwapeng gore ba nne mo tikologong e e phepa go hema kgotlhelesego ya dijo. BOKHUTLO society 9 Kgosana o rotloeditswe go emelelana le diemo tsotlhe Rre Keamogetse Mokhiwa yo o tlhomilweng kgosana ya tetlanyo ya Makgalo gaufi le Toteng, o rotloeditswe go emela diemo tsotlhe tse di tlang ka morafe. Thotloetso eo e dirilwe ke dibui kwa peong ya ga Rre Mokhiwa kwa Makgalo bosheng. Mothusa Molaodi wa Bokone Bophirima, Rre Ramogaupi Gaborekwe o rotloeditse Kgosi Mokhiwa go bereka sentle le batho ba ba farologaneng ka maikutlo le mekgwa. Rre Gaborekwe a re go botlhokwa gore a tsee ditshwetso tse di tsepameng mo molaong le tsamaiso, gore ere le fa di sa itumedise bangwe, ene a bo a ka itshwarelela ka se se tshwanetseng, a tlatsa ka go re boeteledipele bo batla motho yo o sa sokameleng kwa letlhakoreng lepe. A re bogosi bo teng le mo Baebeleng, ka jalo a gakolola Rre Mokhiwa go reetsa taolo ya Modimo le go reetsa bakaedi ba a ba fithelang mo tirong eo. Fa a gakolola Kgosana Mokhiwa, Moruti Tendani Manyiwa wa kereke ya Head Mountain o ne a re a seka a busolosa bosula fa bangwe ba sa mo tlotle. Moruti Manyiwa o ne gape a mo gakolola gore a rarabolole dikgotlhang a sa sokamele gope, e bile a re a itse fa a ya go dira le batho ba ba farologanyeng le ka ditumelo tota. O ne a tlatsa ka go re Modimo ke ene a dirileng gore batho ba nne le boeteledipele ka go fa bangwe taolo. Fa a amogela thomo, Kgosana Mokhiwa o ne a tlhalosa fa a sale a simolotse boithaopo mo Makgalo ka 1977 a sa le monana. A re morago o ne a bona tiro kwa ofising ya molaodi ka 1980 go fitlhelela 1991 a tlogela tiro, ka jalo a tsweledisa boithaopo jwa komiti ya ditlhabololo 1992 go fitlhelela 2007 ba Mokgalo ba mo tlhopha go nna moletlanyi. A re o leboga Modimo le botlhe ba ba mo emeng nokeng, mme a tshepisa go dira se a se kopilweng ke dibui. A re o motlotlo ka ga e golelwe ka e mo rutile go bala le go kwala. BOKHUTLO society 9 Thuto ga e golelwe e botlhokwa Mogolwane wa lephata la thuto Gaegolelwe Rre Ookame Molapisi o kgothaditse batsadi go inaakanya le go tsena gaegolelwe gore ba kgone go itlhabolola ka go dira botsalano le batho ba mafatshe a mangwe e seng fela ba lefatshe la bone. Rre Molapisi o buile jalo kwa motseng wa Shorobe kwa go neng go tshwaretswe beke ya baithuti ba le lekgolo le masome a matlhano ba ba tswang mo dikgaolong tsa Okavango, Ngami le Maun a re fa ba ka tswelela ka go inaakanya le thuto gaegolelwe go tlaa ba kgontsha le gone go tlotlomatsa lefatshe le dikgwebo tsa bone ba phuthulogile. A re go le gantsi go tlwaelesegile gore mongwe a supiwe ka monwana segolo jang ko pusong gotwe ba tlhabolola go le kae batho ba bone go lebilwe thata gone ka kwa mhameng wa thuto gaegolelwe, a re seo se tlhoka gore le bone ba itse gore seabe sa bone ke eng mo batsading le mo lefatsheng le gore se ka bonala jang. O tsweletse a re puso e leka ka bojotlhe go ngotla lefatshe e le dira selo sengwe ka go dirisa maranyane a tshwana le a dikhompiutara le a mangwe, mme a re bone e le baithuti ba ba kgakala ba inaakantse jang le ngotlego eo ya lefatshe. O kgothaditse baithuti go itse gore dithuto tsa bagolo di a ba kopanya gore ba nne selo se le sengwe mme a re ba ka dira jalo fela fa ba kgona go bala le go kwala e bile ba kgona le gone go dirisa maranyane a sesha. O bile a re dithuto tseo ke tshwanelo ya bone, a tlatsa ka gore thuto ya gaegolelwe e tshwanelwa ke tsotlhe tse di dirwang mo thutong yotlhe jaaka go abela baithuti dimpho tsa yo o gaisitseng. Rre Molapisi a re nako e tsile ya gore ba simolole go atolosa go dirisa maranyane a gompieno ba nne le ditsala tse ba tlaa nnang ba bua le bone ka mekwalo kwa mafatsheng a a kgakala jaaka bo China le a mangwe, e le tsela nngwe ya go katolosa go kwala ga bone le gone go tsaya maele a botshelo mo go ba bangwe. O bile a kgothatsa bao ba ba ntseng ba sa tseye tiro ya bone ya sekole seo tsia go simolola go dira jalo a re go tlaa ba thusa go tlhabolola lefatshe la bone. Moruta bagolo go tswa kwa motseng wa Etsha mo kgaolong ya Ngami, Rre Keemetse Morotsi yo a tlhalositseng fa a ruta bagolo ba batlhokapono o tlhaloseditse bagolo bao gore kana thuto ke mokwatla wa lefatshe. O bile a ba kgothatsa go tswelela le thuto ya bone a re ba seka ba itsapa gape a ba kopa go tswelela ba dira le tsone ditiro tse ba di neetsweng go ya go dira kwa malapeng a tlhalosa fa go le gantsi bagolo ba sa dire ditiro tseo, a re fa ba sa tlhaloganye ba nne ba botse gore ba kgone go tlhaloganya. Bagolo ba ne gape ba nna le sebaka sa go rutuntshiwa le go tsibusiwa ka mananeo a a ka ba ntshang mo lehumeng ke badiri go tswa kwa Gender Affairs ka Mme Gagoope Kenosi le Mme Phatsimo Koti go tswa kwa CIPA kwa Maun. Fa a leboga, moithuti go tswa kwa Gumare, Mme Annah Manyema a re o itumelela thata mafoko otlhe a a builweng ka e bile e ne e le motho wa go tsena a ntse a tswa fa a bona ekete jaanong ditlhaka di a thatafala. One a leboga morutabana wa gagwe yo ka dinako tsotlhe a mo latelang kwa lwapeng go ya go mo kgothatsa. BOKHUTLO society 9 Lerala o ipaakanyetsa Re a Nyalana Mokwaledi wa kgotla kwa Lerala, Mme Kebonye Galeeme, o rotloeditse bagolo go dirisa lenaneo la Re-A-Nyalana ka le itsa masula a gantsi a aramelwang ke batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana. O buile jalo mo potsolotsong bosheng fa a rekisa mogopolo wa ikwadisetso lenaneo le. A re e re le ntswa go ise go rurifadiwe letsatsi la moletlo, mopalamente wa Lerala/Maunatlala, Rre Prince Maele o setse a ntshitse dikgomo go tsamaisa lenaneo le, le gantsi le thusang borre le bomme ba ba ntseng ba nna mmogo ba sa nyalana. Ikwadiso e e direlwa kwa kgotleng ya Lerala mme mo bogompienong go setse go ikwadisitse batho ba le masome matlhano le borataro. O ne a gakolola ba ba saletseng kwa morago go iketleetsa go ise go tswalwe. Mokwaledi o tlhalositse gore lenaneo le la Re-A-Nyalana ke mokgatlho wa boithaopo o o tsamayang o rera efangeli e e reng 'a re nyalaneng' ka go lemogilwe gore go nna mmogo ga batho ba sa nyalana go baka dilo tse dintsi tse di sa siamang. O ne a supa gore Re-A-Nyalana e kopanetse dikgang tse tsa nyalo le mmakaseterata, kgosi, molaodi, dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse leba ofisi ya Omang le Molaodi. Mokwaledi o boletse gore bagolo ba ba setseng ba ikwadiseditse lenaneo le ba ka tshwara masome a matlhano le borataro. O ne gape a supa gore bagolo botlhe ba ba ikwadiseditseng lenaneo le ga ba ntshe bogadi, sa bone fela ke go reka dipalamonwana ka madi a a ka tshwarang P50 mongwe le mongwe wa bone. society 9 Borre ba maoto a tshupa - Tshipe Kgaolo -potlana ya Mahalapye le lefatshe ka bophara di na le kgwetlho e tona ya go leka go lwantsha mogare wa HIV le bolwetsi jwa AIDS. Mafoko a, a builwe ke Kgosi Tshipe Tshipe wa Mahalapye mo thuto-puisanyong ya malatsi a mabedi e rulagantswe ke lephata la bong le komiti ya borre ya kgaolo potlana e e itebagantseng le twantsho le thibelo mogare ya HIV mo Mahalapye bosheng. Kgosi Tshipe a re nako e tsile ya gore baruti gammogo le ba bogosi ba eme ka dinao go bona gore ba lwantsha kanamo ya mogare wa HIV ka go bua le morafe. A re dikgosi, baruti, baeteledipele ba motse gammogo le maphata ka go farologana ba kgaolo ba tshwanetse go ema ka dinao go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV. O ne a akgola komoti ya borre ya kgaolo-potlana ya Mahalapye go bo ba bone go dira thuto-puisanyo eo, ka dipalo di kaile fa borre ba le maoto a tshupa fa go tla mo go itlhatlhobeleng malwetse. Kgosi Tshipe a re le fa go ntse jalo tiriso ya sekausu e ile tlase thata mo setshabeng, ke ka moo dipalo di supang fa mogare wa HIV o golela pele, bogolo jang mo kgaolong ya Mahalapye. A re sekausu tsa borre ga mmogo le tsa bomme ga di sa tlhole di dirisiwa ka fa go tshwanetseng ka teng, ka jalo bone e le baeteledipele ba morafe ba tshwanetse go ema ka dinao go bona gore dithuto di tsena mo bathong. O ne a tlhalosa gape gore e le botsadi ba tshwanetse go ema ka dinao go bona gore dithuto tsa tlhakanelo dikobo di tsena mo baneng ka go supafala fa bana e le bone ba tshabelelwang ke go tsenwa ke mogare wa HIV.BOKHUTLO education 4 Mapodisi a fitlhetse tshimo ya Motokwane Mapodisi a Serowe a tshwere banna ba le babedi ka go bo ba fitlhetswe ka mephuthelwana e go belaesegang e le motokwane le tshimo e go lengwang motokwane oo mo go yone kwa morakeng wa Seshie Motsheganong a tlhola ga rataro. Mo potsolotsong, mogolwane wa mapodisi a Serowe ka Mosupologo, Superintendent Poloko Oteng o boletse fa mapodisi e ne ya re mo go tsamayeng ba lekola metse ba rakana le monna wa dingwaga tse 45 wa Zimbabwe, yo e rileng go ba bona a kalakatsa matlho mme ba mo ikatumetsa ba mo phuruphutsha. Supt Oteng o boletse fa rre yoo, yo o tlholegang kwa Nsiza kwa Bulawayo a tsene mo Botswana e se ka fa molaong. Mo go mo phuruphutsheng ba ne ba fitlhela dikgetsana di le tlhano tsa setlhatshana se ba belaelang e le motokwane. Mo ditlhotlhomisong gore o tsaya kae dikgetsana tseo, o ne a ntsha mosi ka sekhurumelo a kaya fa a di rekile kwa monneng wa dingwaga tse di masome matlhano wa Mabuo kwa ba neng ba fitlhela monna yoo wa morekisi teng. Mo ditlhotlhomisong rre yoo wa kgotla ya Moseki kwa Mabuo a bolela gore o lema kae motokwane a ba kaela mme ba fitlhela tshimo ya motokwane kwa morakeng wa Malaakgage gaufi le Mabuo. Mogolwane wa mapodisi o boletse fa ba fitlhetse ditshingwana di phophoma ka ditlhatshana tseo tse go belaelwang e le motokwane, di ageletswe ka botswerere. A re tshingwana e nngwe go ne go bonala fa jaanong e ne e le nako ya go rojwa, go anegilwe mengwe e emetse theko fela. Gatwe mmelaelwa o ne a bolelela mapodisi gore o na le dingwaga di le tharo a ntse a lema motokwane oo e bile a o rekisa lepenyo fela. Fa ba tsweletse ba ntse ba mo phuruphutsha ba ne ba fitlhela P2881 a go bolelwang e le a a tswang mo thekisong. Ditlhatshana tseo di santse di isitswe kwa matlhatlhobelong go netefatsa fa e le setlhatshana se se sa letlelelweng sa motokwane. Rre Oteng o boletse fa mmelaelwa wa motswakwa a ne a isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata kwa Serowe mme o tlaa itshupa gape Seetebosigo a le lesome le motso. O santse a tshegeditswe ke mapodisi fa wa Motswana a tlaa itshupa mo bogaufing. crime_law_and_justice 1 Kgosi Mapulane wa Manaledi o tlhokafetse Kgosi wa pele wa Manaledi, Kgosi Kgothwane Mapulane o tlhokafetse kgwedi eno e tlhola malatsi a le matlhano morago ga go lwala sebakanyana mme o tlaa bolokwa ka Matlhatso (July 15). Kgosi Mapulane o tshotswe ka ngwaga wa 1929 mme a tlhongwa kgosi ya Manaledi ka 1979 a tsaya mo go Rre Spaa Motshidisi yo e neng e le mogolwane wa motse mme a mo tshwareletse bogosi ka a ne a santse a le monnye. Ngwana wa gagwe, Mme Masego Molefhi o boletse fa Kgosi Mapulane e ne e le moruti e bile e le ngaka ya setso, tiro e a neng a tswelela ka yone le ntse a le mo bogosing mme kgabagare a tlogela boruti ntateng ya bokoa. Mme Molefhi a re Kgosi Mapulane o ne a tle a tlhalose fa morafe wa Manaledi e le Bapedi ntswa ba bitswa Batswapong ka jalo a re Kgosi Mapulane o ne a dumela mo ngwaong ya Bapedi ka e ne e re ka paka ya dipula a bo a tsaya karolo mo go kopeleng morafe pula le gone go kopela ba ba lwalang kalafi kwa Goo- Moremi. Kgosi Mapulane o ne a tlogela bogosi ka 2010 a neela ngwana wa gagwe, Kgosi Batwaetse Mapulane yo e leng ene kgosi ya Manaledi mo bogompienong. religion_and_belief 8 Tlhaelo ya mapodisi ea tshwenya Tlhaelo ya bodiredi jwa sepodisi ke nngwe ya mathata a a tshwenyang thata mo metseng mengwe jaaka Gakuto kwa kgaolong ya Kweneng. Kgang ya go tlhoka mapodisi a a rutetsweng tiro e ntshitswe ke kgosi ya motse, Rre Abdul Letlamma mo potsolotsong bosheng. Kgosi Letlamma o supile fa a sa itumedisiwe ke go tlhaela ga bodiredi jwa sepodisi mo motseng. A re fa e sale puso e tsaya tshwetso ya go kopanya mapodisi a morafe le a puso, ba sokola thata ka ba setse fela ba sena mapodisi a a rutetsweng tiro mme go na le mapodisi a nakwana fela. O tlhalositse gore mapodisi a ba neng ba na le one mo motseng ba ne ba phatlalala fa yo mongwe a ya go direla kwa lefelong le sele mme yo mongwe a tlogela tiro. Kgosi Letlamma o buile a menne phatla ka seemo sa go tlhoka bodiredi a supa fa ba sale ba solofediwa gore go tlaa tsisiwa mapodisi mme a re nako kgolo ke eno. O ntshitse ngongora ya go tlhoka go fefosa go thiba phatlha ya bodiredi fa ba bangwe ba tlogela tiro kgotsa ba ya go direla kwa mafelong a sele. A re mo nakong eno ba bereka fela le mapodisi a nakwana a Special Constable mme a re sebe sa phiri ke gore ba gama ba ikotelela ka go na le tlhaelo ya didirisiwa jaaka koloi. Go ya ka Kgosi Letlamma ba tshwanelwa ke go kopa thuso kwa sepodising sa Mogoditshane. O tsweletse a re le mororo motse wa Gakuto o sena dipego tse di kalo tsa botlhokatsebe mme go a tshwenya gore go bo go na le letlhoko la bodiredi jwa sepodisi ka motse o setse o godile. O gateletse gore tshireletsego ya morafe e botlhokwa ka jalo mapodisi a botlhokwa thata mo motseng go baya seemo leitlho ka dinako tsotlhe. O ne gape a akgolela banni go nna le mowa wa bojammogo bogolo jang banana, a tlatsa ka gore maitshwaro a bone ke a a itumedisang. Kgosi Letlamma o ntshitse boikuelo mo pusong go fefosa go tsisa bodiredi fa ba bangwe tswa mo lefelong. A re se se baya morafe ka fa mosing ka ba sa bone thuso e e lolameng fa ba e tlhoka ka go sena bodiredi. politics 7 Kgosi o akgola mothusa tona Kgosi ya Xhosa 1 kwa Mahalapye, Rre Ponoyame Kefilwe, o lebogile mothusa tona wa temo-thuo Rre Oreeditse Molebatsi go dira tiro ya gagwe ka bokgabane nako tsotlhe. Fa a amogela baeng mo phuthegong e e neng e buisiwa ke Rre Molebatsi ka mafelo a beke, Kgosi Kefilwe a re Rre Molebatsi o dira tiro ya gagwe ya go rerisa le go ruta Batswana ka dikgang tsa temo thuo ka botlhaga mme e bile a sa fele pelo. O akgoletse mothusa tona seabe sa gagwe jalo a mo kgothatsa go tswelela go dira ka bokgabane le kwa a yang teng. Rre Molebatsi o boleletse morafe wa Xhosa ka mananeo a temo thuo a go fiwa peo, go lemelwa ka ditselana, go fiwa menontshane le chefi e e bolayang mhero gore balemi ba seka ba tlhagola mme ka jalo a kopa Batswana go tlhoafalela temo. O tlhalositse fa temo e le mokwatla wa itsholelo ya lefatshe leno ka jalo a kopa banni go e tsaya tsia. O kopile balemi gore ba seka ba nna moriti o tsididi fela fa ba lemelwa mme ba netefatse gore ba lemelwa sentle gore ba tle ba nne le thobo e e nametsang. A re gangwe le gape ba leseletsa boraditerekere go ya go lema ba setse mo legaeng, mme a re seo ga se supe fa motho a tlhoafetse ka temo. A re go netefatsa gore tiro e tsamaya sentle kwa masimong, mong a masimo o tshwanetse a sale terekere ya polantere morago go bona tota gore a e a jwala, eseng jalo motho o tla lelela kgama le mogogoro. A re dipolantere dingwe di hupa bokgola jalo ga di ntshe peo mme fa peo e sa tswe motho o ya go tswa fela a iphotlhere. Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Molebatsi o kopile gore bakgweetsi ba diterekere ba ikopanye le lephata gore ba rutwe go lema mahala, a tlhalosa fa go itse go kgweetsa terekere e se go itse go jwala. O kopile bakgweetsi ba diterekere ba ba senang ditlankana gore le bone ba ikopanye le ba lephata gore ba tle ba fiwe teseletso ya go kgweetsa diterekere mme e bile a rotloetsa le ba ba setseng ba tlogetse tiro ka bogodi. Mo go tse dingwe, Rre Molebatsi o kopile bakenti ba ba tlogetseng tiro ka bogodi mme ba nale keletso ya go dira gore ba ikopanye le lephata go ka thusa mme ba tla a bo ba atswiwa ke lephata go thusa mo tirong ya bokenti. Rre Molebatsi o bile a tsibosa morafe ka bolwetse jwa EBOLA a tlhalosa fa bo le borai e bile bo gomagometsa kwelo tlase ya itsholelo ya lefatshe leno. O kopile Batswana ka kakaretso gore ba nne podimatseba mme ba iketlele go tsamaela kwa mafatsheng a amilweng ke bolwetse joo. A re Batswana bangwe fa go buiwa le bone ba ikgatholosa tlhagiso mme fa bo ka nna teng mo lefatsheng leno e ka nna mathata a matona. Phuthego e ne e tseneletswe ke mothusa tona Mme Botlogile Tshireletso. society 9 BCP e kopa batlhophi gore ba e rome Moeteledipele wa lekgotla la sepolotiki la Botswana Congress, Rre Dumelang Saleshando a re bone ba dirile gotlhe mo ba ka go kgonang go tokafatsa matshelo a Batswana, jaanong go mo Batswaneng gore ba ba rome, ka go ba neela puso mo ngwageng ono wa ditlhopho. A re ke bone ba ba dirileng gore fa Motswana a reka ntlo e le lantlha a seka a kgethisiwa lekgetho la go e fudusetsa kwa go yo mongwe (Transfer Duty Tax) le gone gore BMC e bo e kgonne go tlhotlhomisiwa jaaka go ne ga dirwa. Rre Saleshando o buile jalo mo phuthegong ya sepolotiki e e neng e rola bontlhopheng ba kgaolo ya bopalamente le bokhanselara ja Palapye ba le lesome le bongwe ka mopalamente bosheng fa mabaleng a Kediretswe. Ar e ba tswa kgakala ba buwa ka fa go ka tokafadiwang matshelo a Batswana ka teng le go tsenya itsholelo mo diatleng tsa bone. Rre Saleshando a re thuto ya ngwana go tswa kwa moding ke yone konokono, le yone tlhokomelo ya barutabana, tlhabololo ya madirelo a go fetlhiwa ga motlakase, tiriso ya di-tswa mmung le di-tswa-leruong tse ba neng ba supa fa di ka tlhamela Batswana ditiro mono gae. A re bomme ba ba itsholofetseng ba tlhokafala letsatsi le letsatsi fa ba belega ka go latlhgegelwa ke madi a mantsi, mme mo mafatsheng a itsholelo ya one e leng kwa tlase ga go a nna jalo. A re botsogo ke sengwe sa dilo tse di thokang go tseelwa kwa godimo. A re mo nakong eno mafatshe ka bontsi a thulantse ditlhogo, bo tautona ba eme ka dinao go bona se ba ka se dirang go tokafatsa matshelo a setshaba se ba se busang, ka maikaelelo a go tsenya itsholelo mo diatleng tsa batho ba mafatshe a bone. O ne a re fa a lebelela mo lefatshing leno ga go na sepe se se dirwang go ka tokafatsa matshelo a Batswana, mme a kgala a menne phatla tshenyetso setshaba a re e dirwa ka bodipa mo lefatshing leno, a re tshenyetso setshaba ke Mpho le Mphonyana, e tshwana le mawelana a a tshotsweng a pataganye, a e kareng a kgaoganngwa a seka a tshela, a re seo ke puso le tshenyetso setshaba di gata mmogo. Rre Saleshando a re se se dirwang ke badirelapuso ba ba thankgetseng mo tshenyetsong setshabag ga se hakgamatse, ka e le yone tsamaiso ya puso e e busang. A re mongwe le mongwe o a itirelela, a re tshenyetso setshaba e tsere phekelo e sele. Fa a itebaganya le go tlhabolola motho ka go mo neela itsholelo a re bontsi ja mafatshe bo humisitswe ke ditswa mmung, le tse dingwe jaaka matlalo a dikgomo tsa lefatshe leno ka e le one a tlhametseng batho ba koo ditiro, ba lefatshe leno bone ba berekisiwa mo Ipelegeng, le go nna mapodise a nakwana. A re ene le balatedi ba phathi ya BCP ba ipaakantse ba emetse fela gore Batswana ba ba neele puso, mme se ba ya go se dira fela fa ba goroga ka go fetola seemo sa thuto, twantsho tshenyetso setshaba, le go tlhama ditiro tsa sennela ruri tse di ka tlhabololang matshelo a Batswana. A re seo se ka kgonega fela fa Batswana ba ka ba neela go busa ka o ya go etela mafatshe a ditswa mmung le matlalo a lefatshe leno di isiwang teng a ba raya a re jaanong re di busetsa mo gae go tlhamela Batswana ditiro, le gone go fetola molao ka go tsenya itsholelo mo diatleng tsa Batswana. O ile a tsaya sebaka go rola ntlhopheng wa bopalamente Rre James Olesitse le makhanselara a gagwe a le lesome, mme a supa bopelotelele ja ga Rre Olesitse a re nako e nngwe bopelotelele bo a busetsa, a re ke nako ya gore ba Palapye ba mo rome kwa palamenteng. A re Rre Olesitse ke mogaka wa dipolotiki yo o diretseng lefatshe leno ka botswapelo a sa ipone tsapa a itse ebile a na le tumelo gore letsatsi lengwe modimo o tlaa araba dikeletso tsa gagwe, bopelotelele, boitshoko, le tsholofelo bo ka boloka mowa wa ba ba ineetseng mo modimong gore o ba dibele. A re seemo sa dipolotiki tsa lefatshe leno se tlhoka banna le basadi ba ba nonofileng go ka laola seemo se ise se ye masweng. O boletse gore lefathe leno le mo lebelong le mafatshe a mangwe ka keletso ya go tlhabologa, fela sebe sa phiri ke gore lone lebelo la lone ke le le le digelang kwa tlase, fa mafatshe a palamela kwa godimo. politics 7 Malope o kopa makhanselara go tsena diphuthego Kgosi Malope II wa Bangwaketse o kopile makhanselara a kgaolo ya Borwa go tsena diphuthego tsa kgotla fa a di biditse. Kgosi o ikuetse jalo a amogela mothusa tona ya dikgaolo le tlhabololo ya magae Mme Botlogile Tshireletso mo Kanye bosheng. A re go le gantsi o bona makhanselara fela mo diphuthegong tse di biditsweng ke matona a puso. A re go botlhokwa gore ba ne ba kopana e le baeteledipele ba setshaba go ngunanguna ka dikgang tsa kgaolo ya bone eseng fela ka nako ya diphuthego tsa matona a puso. O tlhalositse gore go dira jalo go ka thusa go tla ka megopolo e e ka tlhabololang kgaolo ya bone. E ntse e le mo phuthegong eo, e e neng e itebagantse le maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse kgotsa VDC, maloko mangwe a ne a kgalela makhanselara mangwe go tlhoka go dirisanya sentle nabo mo tirong ya bone. Fa a ntsha la gagwe, modulasetilo wa komiti ya kgaolwana ya Dilolwe, Mme Agnes Tumediso a re bangwe mo setshabeng ba leba tiro ya VDC ka lonyatso ka ba dumela fa maloko e le batho ba ba sa itewang seatla mo go kalo. Mme Keabonye Masilonyane wa komiti ya Mathubapula le ene o ne a tlhalosa fa mangwe makhanselara a kgokgontsha maloko a dikomiti tsa VDC. Bokhutlo society 9 Banana bangwe ba dule mo tseleng kwa Tshimoyapula Dintwa, nnotagi le botlhokatsebe kwa Tshimoyapula mo kgaolong ya botlhophi ya Serowe Bokone ga bo jese di welang e bile batsadi bangwe ba setse ba tshaba motse wa bone. Mo potsolosong le bobegadikgang bosheng, magosana a dikgotla le batsadi bangwe ba buile ba sa kgwe mathe ka botlhokatsebele le dintwa tse di bifileng mo motseng wa bone, ba tlhalosa mathata a tswa mo melaong mengwe e ba reng e ba kgaotse matsogo go lekana le badira molato. Dikgosana tsa dikgotla tsa Basimane, Mogorosi, Mathuba Kgala le Tshosa ba tlhaloseditse fa banana bangwe ba itirile balaodi ba malapa a batsadi mo motsadi a sa kgoneng go kgalema ka bangwe ba bone fa ba kgalemelwa ba re ba na le ditshwanelo bangwe ba re ba tla ipolaya mme seo se tshabise bangwe batsadi go kgalema ka lentswe le le kwa godimo. Ba re nnotagi go inyadisa e le banana le bangwe bagolo go tlhakatlhakantse motse wa Tshimoyapula mo o setseng o ka bidiwa kgaphamadi kgotsa maina fela a go kaya polao. Ba re dinako tsa go bulela majalwa a Setswana ga di obamelwe jalo masigo go nne dintwa tse go tshololwang madi ka ba itaana ka dilo tse di bokete kana tse di bogale go ntshanya dintho tse di masisi. Ba re ngwana wa mosimane kgotsa wa mosetsana le fa a tla ka mosetsana kana mosimane fa pele ga batsadi ga ba boife sepe le fa motsadi a kgalema o bodiwa gore a o tswa pelo. Ba tlhalosa konokono ya dikgang tse ele bongwe botsadi jo bo letelelang bana go dira ka fa ba ratang ka teng. Mothusa kgosana ya kgotla ya Basimane rre Ketheepile Utlwanang, kgosana ya Tshosa rre Moanatsela Gareanna, kgosana ya kgotla ya Mogorosi rre Mongwaketse Mausu, le kgosana ya kgotlana ya kgala rre Mothoosele Tekwa ba re ba kile ba ne ba kgalema ka go letsa thupa mme ga tokafala mo bananeng ba ba tlhokang botho mo motseng wa bone, ka go boifa ditshwanelo tsa bana go tsoga ba ba sekisa ka ba re ba a kgokgontshiwa, ba emisa dithupa mme ga simolola go tlhakatlhakana go tla mo seemong se gompieno banana bangwe ba sa kgonafaleng. Magosana ao a re le fa ba ne ba leka banana ka go ba otlhaya ka thupa bongwe botsadi bo ne bo ba emela ka dinao ba kgala ka fa ba othayang banana ka teng mme ba emisa kotlhao ya thupa ba ka jalo motse wa simologelwa ke bothoka tsebe. Kgosana ya Mathuba rre Shimane Mmolaatsie a re ene o leka go ruta ba kgotla ya gagwe ka boitshwaro mo diphuthegong le go ba ruta ka bokeresete mme le fa ba dira diphoso ba feta ba ikgakologelwa. Kgosana wa kgotlana ya Kgala rre Mothoosele Tekwa a re ba ne ba ntse ba kgalema ka thupa mme kgosi yo o ba etelentseng mo Paje a ba emisa go dirisa thupa ka a rile ga ba na teseletso , jalo ka kgosi mongwe wa bone a kile a ya go sekisiwa kwa kgotleng kgolo ya ga mmangwato ba emisa thupa. A re bangwe badira molato ba gana go seka mo dikgotlaneng ba ye mo go e tona ya motse oo, mme ba seke ba supeediwe tsela e e thamaletseng ya ditsheko tsa magae jaaka bogologolo gone go dirwa. Kgang eno e tla morago ga dikiteo tsa dintho tse di masisi tse di dirafetseng ka mafelo a beke e e fetileng tsa go lwa ka didirisiwa tse di bogale go le masigo, nako e go solofetsweng gore batho ba bo ba iketlile mo malapeng mme fa ba tswa gone kwa majwaleng ao ka e le baratani go tsoge thatharuwane e e fetsang basadi ba golafaditswe mo go masisi. E rile mo potsolosong le bangwe badirela puso kwa motseng oo ba tlhalosa fa mathata a tswa mo bakapelong ba ba itshemang banyalani e bile ba sa tlotle botsadi gotlhelele. Magosana ba rile go tlhoka gore ba ikopanye go abelana megopolo ka fa ba ka laolang seemo se se bifelang pele mo motsaneng wa bone ka teng. Ba tlhalositse fa motse wa Tshimoyapula o tswa bogologolong dikgosi tse di neng di o busa di ne di tlotlega thata ba reediwa. Kgosi ya motse oo o ne a tserwe ke tsa tiro fa go kwalwa dikgang tse. BOKHUTLO society 9 Bagolwane ba ruta banni ka lenaneo Banni ba Moshaweng mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba kopilwe go rua dihutshane tse di tsamaisanang le dipaka tsa kgaolo ya bone. E rile a bua mo thuto-puisanong e e neng e rulagantswe ke ofisi ya nyeletso lehuma go tswa Letlhakeng bosheng, mogolwane go tswa mo ofising eo, Rre Mmolotsi Tsime, a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go tsamaya le kgaolo ba ruta botlhe ba ba neng ba kopile dithuso tsa nyeletso lehuma gore e re ngwaga wa madi o simologa ba bo ba eme malala a laotswe. O tsweletse ka go supa fa go lemosegile fa baikopedi ba sa le ba ikopela ka ngwaga wa 2013 mme ka ntata ya kwelo tlase ya itsholelo ba seka ba kgona go ba thusa. A re jaaanong ba tsweletse ka go ntsha melala ka e bile baikopedi ba ne ba setse ba sekasekilwe ke ba boipelego mme se se tlaa dira tiro ya bone motlhofo. O kaile fa madi a go reka dihutshane a okeditswe go tswa kwa go P10 000 go ya go P15 000. Mogolwane go tswa mo ofising ya LIMID, Rre Kgang Mongale o tlhaloseditse batsaya karolo mo thuto puisanong eo fa podi ya Setswana e le bogadi bo gaufi e bile e kgona go tshela mo diemong tse di thata. O bile a supa fa go tlhokega go sireletsa dihutshane fa dipaka di fetoga ka go dira jalo go itsa go swa ga tsone. E rile a latlhela la gagwe, mokenti wa kgaolo, Rre Tafilani Tafilani, a rotloetsa baikopedi go dirisana le ofisi ya bone ya bakenti ka e le bone ba ba ka thusang ka dikgakololo gore fa seruiwa se lwala se tlhoka molemo ofe go na le go dirisa molemo mongwe le mongwe mo go feletsang go bolaya leruo. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Ba Mmabi ba batla bogosi E rile bosheng ba kgotla ya Mmabi kwa Serowe ba rolela morafe wa Radisele, Rre Enock Keerate go nna kgosi ya bone. Fa ba rola Kgosi Keerate, mongwe wa bo rangwanaa kgosi, Rre Lerama Wale o ne a bolela fa ba tsiseditse morafe wa Radisele kgosi, ka yo o neng a ntse a mo tshwareletse ebong Kgosi Bogosi Manale a sa tlhole a le mo botshelong. Le fa go ntse jalo Rre Lekhutile Shalobane , ene o ne a supa fa bogosi jwa Mmabi bona le mong wa jone yo aleng mo setilong kwa Serowe mo kgotleng. Morafe o ne wa felela o supa lekoko le le neng le eteletswe pele ke borangwanaagwe Kgosi Keerate ka monwana ba re ga ba a latedisa kgang sentle. Mothusa kgosi ya Radisele, Rre Mokeresete Ntebele le ene o ne a tlhalosetsa phuthego gore fela jaaka mafelo a mangwe a eneng e le meraka le masimo a ne a tlogelwa ke morafe o o neng o le foo lantlha, Radisele ke lengwe la mafelo ao. Rre Ntebele a re Radisele e simologile e le masimo, mme jaaka mafelo a mangwe a lefatshe leno a godisiwa go nna motse, mme ba itlhophela kgosi, leina la ga moswi Bogosi Manale la fenya a tsaya setilo, se le mo nakong eno bayang go se dira e le batho ba Radisele. Fa morafe o latlhela la one, Rre Mojaboswa Jabeng o supile fa ba tlhaloganya gore lefatshe ke la ba ga Mmabi, mme bogosi e se ja bone , mme a kopa gore ba fiwe sebaka go itlhophela kgosi fela jaaka moswi Manale a ne a tlhophilwe. Rre Jack Leepile ene o ne a re,ba ga Mmabi ba boele kwa morago, go itsaya motlhala sentle gonne sedibeng go iwa ka tsela. Fa Mme Motlhamongwe Motsumi ene a rile, bone e le morafe wa Radisele ba ne ba tlhophile moswi Manale ka e ne e le motho yo o boikobo, a wetse maikutlo e bile a rata batho, e seng ka gore ke wa ga Mmabi. O boletse gore “bogosi jwa Radisele ke ja tlhopho ga bo jewe boswa”. Bontsi bone bo ngongorega e bile jwa botsa gore mo nakong yotlhe go simolola ka 1955 fa batho ba thibelela mo Radisele, e santse e le ditakana go fitlhelela a gola e nna motse boragwaneago Keerate ba ntse ba le fa kae. E ne e rile go le pele Kgosi Omphile Motsokono wa kgotla ya Basimane a supa fa kgang eo a e fetiseditse kwa bogosing jwa Mmangwato go ya go rolela Kgosi Raditanka Ntebele, mme ga dirwa thulaganyo ya go tla go e kopanela le morafe wa Radisele. Kgosi Masego Olebile yo o neng a eme boemong jwa ga Kgosi Sediegeng Kgamane, o ne a re motse wa Radisele ga ona ditso tsa bogosi ka o agilwe ka merafe e e farologaneng, mme a lebogela tlhaloso e morafe o e beileng kgotla pele. A re dingwaga tse Kgosi Manale a busitseng ka tsone di supa sentle gore gone go rena kagiso, ba ga Mmabi ba ntse ba le teng mme ba sena epe ngongorego ka bogosi kana go supa ka fa ba amanang ka teng le jone. Mme sehularong sa ga Kgosi Manale yo e neng e le setlogolo sa ga Mmabi, ke gone ba ga Mmabi ba ntshang tlhogo. O ne a re o tla a busetsa karabo kwa go yo o neng a mo romile. Mo nakong eno morafe wa Radisele one, o setse o isitse leina la motho yo ba mo tlhophileng mo kgotleng go ka ba tshwarela kgotla, ba emetse phetolo go tswa kwa pusong, mme ba supa fa leina la gagwe leka amogelwe ba tla a bo ba tswelela ka go tlhoma kgosi. BOKHUTLO society 9 Ba kopa tsela ya sekonotere Banni ba Kubung ba kopile gore tsela ya Thamaga/Kubung e tshelwe sekonotere. Ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Tshenolo Mabeo, ka Labobedi. Kgosi Boitshwarelo Mabutlwane a re go tshela sekonotere mo tseleng eo go ka oka dikgwebo mo motseng wa bone. Kgosi Mabutlwane o ne a kopa lekgotla la kabo ditsha go se emise go aba ditsha mo motseng wa bone ka jaana o le monnye, mme ba eletsa gore o gole o bo o tlhabologe. O tlhalositse fa a lebogela gore dikgosana tsa tetlanyo di a amogela, a bo a supa fa ba eletsa go bona koranta ya DailyNews. Modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse Rre Gasebotlhe Lepodisi, o ne a tlhalosa fa ba tlhasetswe ke leuba, mme ba sa kgona go lema, ka jalo o kopile gore puso e ba fokoletse ditlhatlhwa. O supile fa koporase ya motlakase e tsaya nako e ntsi go baakanya motlakase, mme a kopa gore ba nne ba tsibogela go o baakanya ka jaana o le borai mo matshelong a batho. E rile a ntsha la gagwe, Rre Mabeo o ne a supa fa ngwaga o e le o mogolo wa lefatshe leno ka jaana le tlaa bo le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano, mme go solofelwa gore metse ka go farologana e dire meletlo. O supile fa koporase ya motlakase e boletse fa go tsaya nako gore ba bone dilo tse ba di dirisang go baakanya motlakase. Rre Mabeo, yo gape e leng tona wa dipalamo le ditlhaeletsanyo, o kopile banni gore fa ba neetswe mananeo ba a dirise sentle ka jaana ba sa itse gore mo dingwageng tse di tlang botshelo bo tlaa bo bo ntse jang. O boletse fa lenaneo la Economic Stimulus Programme (ESP) e le lone le tlaa dirisiwang go aga matlwana a borutelo, matlo a boroko le gone go aga matlwana a borutelo a maranyane. A re tsela ya Kubung/Thamaga e tlaa dirwa ka lone lenaneo le. O tlhalositse gape fa go fetotswe dilo kwa ofising ya dipalamo, ka jaana matshwao a tsela a tlaa tsaya dingwaga tse pedi go felelwa ke nako, go na le ngwaga jaaka go ne go ntse pele. society 9 Banni ba tlhalosetsa ditso tsa Qabo Dingwaga di le lesome le boferabobedi tse di fetileng, go ne ga tlhomiwa motsana mo kgaolong ya Ghanzi Bokone, o o itsegeng ka Qabo. E rile fa bagolwane ba motsana o ba tlhalosetsa Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama ka Laboraro Ngwanaatsele a tlhola malatsi a le lesome le boraro kwa motsaneng wa bone, ba tlhalosa gore leina la Qabo ke leina la mokau o neng a tsalwa ka nako ya fa ba thibelela. Tautona o ne a buisa phuthego ya kgotla mo motsaneng wa Qabo gone ka Laboraro oo, a bo a ora molelo le bagolwane ba motse. Go ya ka Rre Hendrik Hayman, e rile ka ngwaga wa 1995, ba thibelela kwa lefelong leo, ba sena go tlholwa ke lefelo la Rooibrak le ba neng ba fitlhela le sena metsi. A re e rile ba ntse ba senka metsi ba thibelela fa mogobeng mongwe o e rileng ba le fa go one, mme mongwe yo o neng a itsholofetse a belegela ngwana wa mosimane teng; mme a mmitsa leina a re ke Qabo. Ke ka moo ba neng ba bitsa motsana wa bone Qabo, ba o reelela ka ngwana o. Mme ka jaana ngwana yo a ne a belegetswe fa mogobeng, bangwe ba nyalana tlhaloso ya leina la motsana o le gore go tewa mogobe; boammaaruri tota ke gore Qabo ke leina la motho, motsana o reeletswe ka ene. Rre Hayman o ne a tswelela a tlhalosetsa tautona gore fa ba tsena mo motsaneng o, go ne go sena sepe sa ditlhabololo tse di tshwanang le sekole, kokelwana le fa ele tsone tota ditirelo tsa sepodise. A re mo bogompienong motsana wa Qabo o na le sekolo se se botlana, le kokelwana, a supa fa ditirelo le mananeo a puso di goroga sentle kwa banning ba Qabo. Le fa gone go ise go gokelwe motlakase, go na le motlakase o dirisang marang a letsatsi. Banni ba ne ba lemotsha tautona letlhoko la bone la motlakase mme mo go kgwiweng kgaba, mokwaledi mogolo mo lephateng la meepo, kgothetso le metsi, Rre Boikobo Paya, a ba tlhalosetsa fa mo bogompienong go ise go dirwe tshwetso ya gore go gokelwe motlakase kwa Qabo, a ba lemotsha fa motlakase wa marang a letsatsi e le one o puso e o rotloetsang go sa ntse go lebilwe seemo sa itsholelo gore se tokafale. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Go bua Setswana ka botswerere ke mmammane Kgosi ya Setsile kwa kgaolong potlana ya Mahalapye, Rre Senau Ramaribana, o lela ka teme ya Setswana e tsweletseng ka go nyelela. Kgosi o buile se mo potsolotsong bosheng. A re o rotloetsa Batswana go ithuta Setswana gore ba kgone go utlwana fa ba buisana. O tlhalositse gore puo ya Setswana ga e sa tlhole e na le boleng ka gore ga e buiwe jaaka ba fitlhetse e buiwa ke batsadi ba bone. Rre Ramaribana o kaile fa mafoko mangwe a sa tlhole a le teng a nyeleditswe ke a masha a a kopantsweng le diteme tse dingwe jaaka sekgoa. A re puo ya Setswana e a latlhelelwa fa e kwalwa mme a rotloetsa Motswana mongwe le mongwe go kwala puo ya se ga bone ka manontlhotlho. “Go sa kwala puo ya Setswana sentle ke lenyatso mo go yone, e bile ke go e tseela kwa tlase,” ga bua jalo kgosi. Le fa gontse jalo, Rre Ramaribana o ne a kopa batsadi go tshwaragana le barutabana ba dikolo gore ba rute bana Setswana ka gore bana ba dira sentle mo dithutong tsa sekgoa. A re o kopa Batswana go tlotlomatsa ngwao ya bone ka puo ya bone gore mafatshe a mangwe le one a ithute mo go bone, ka Setswana se re goo-ra motho go thebephatshwa, go dira jalo gore dikokomane tsa bone di tle di fitlhele puo ya bone. Kgosi a re mathata ke gore batho ba ratile diteme tsa batho ba bangwe go feta Setswana. O kopile ba ba isang bana ba bone ko dikoleng tsa sekgoa (English medium) go ba buisa Setswana fa ba le kwa malwapeng go itsa gore ba latlhegelwe ke puo ya Setswana. Kgosi Ramaribana a re di sale di lemile dinaka bogole bogologolo, ka gore ka nako eo go ne go dumelwa gore fa motho a rutegile o tshwanetse go utlwiwa a bua sejatlhapi. E re go ntse jalo, kgosi a re Batswana ga ba tlhole ba itse diane le meila ya Setswana, e bile dibuka tse neng di ka thusa le tsone di kwalwa ka sekgoa. Mo go tse dingwe, Kgosi a re o tshwenngwa ke bomme ba ba sa apareng sentle fa ba tla kgotleng mme a ba rotloetsa go apara mesese ka ke sone Setswana. Bomme malatsi a gompieno, ba tsena mo dikgotleng ka marokgwe selo se se neng se sa ditlwaelwa bogologolo.BOPA education 4 Kgosi o tshwenngwa ke beng ba matlo Kgosi ya Mogoditshane, Rre Bapalele Dihutso a re o tshwenngwa ke batho ba ba hirisang malwapa a bone ba bo ba a tlogela mo bahirising ba sa tlhokomele gore a a phepafadiwa. Kgosi Dihutso o boletse mo potsolotsong gore malwapa ao a nna batho ba bantsi mo go nnang dingalo gore ba laolesege. A re bophepa jwa tikologo ke jone botsogo jwa batho, ka jalo go botlhokwa gore beng ba malwapa ba kwadisetse go tseelwa matlakala ke khansele. O tlhalositse fa beng ba malwapa a a hrisiwang ba tla kwa go ene fa ba setse ba ikuela ka bahirisi, mme go nne dingalo gore a ba thuse ka ba sena kitso e ntsi ka bahirisi bao. “Bontsi jwa bone ga ba itse maina a bahirisi ba bone le gore ba tlholega kae, le tsone dikgotla tse ba agileng mo go tsone tota. Ba tla fela fa ba tsile go tsaya dituelo tsa matlo,” Kgosi Dihutso a tlhalosa. O ne a gakolola beng ba malwapa go tsalana le bahirisi ba bone go itsa dikgotlhang. Mongwe wa bahirisi, Basadibotlhe Serodumo yo o dingwaga di masome a mararo le bone wa kgotla ya Kgosing, o tlhalositse fa ba nna mo ntlong e le nngwe ba le bane e bile e pitlagane. Mme Serodumo o tlhalositse fa go se motlhofo gore go nne go le phepa nako tsotlhe ka gore mongwe le mongwe o iphepafaletsa fa a robalang teng fela. “Nna ke rata go nna fa go nang le batho ba le bantsi teng ka gore fa o kuwa ka fa o tlhasetswe, ba ba mabapi ba a go utlwa mme ba go tswe thuso ya potlako. Gape re a tshidisanya, re kopana le sukiri tota,” Mme Serodumo a bolela. Mme Mmangaka Tigelo wa kgotla ya Kgosing, mo boemong jwa mong wa motse yo e leng monnawe, o ne a tlhalosa fa go le dingalo go dirisana le bahirisi a re ga ba ntshe madi a a duelang koloi ya khansele gore e ba tseele matlakala. Mme Tigelo a re o tlhokometse matlo a a nang le dikamore di le lesome le motso mme batho botlhe ba ba nnang mo go one ba le masome mabedi le boraro mme ba supa mo teng e le ba lelwapa. A re ba na le matlwana a boithomelo a a dirisang metsi a le mabedi fela mme a dirisiwa ke batho botlhe e bile go na le mokwalo o o supang gore go phepafatsa mang ka labokae. Kwa bofelong, Kgosi Dihutso o ne a gakolola morafe go tsena diphuthego tsa kgotla a re ba emise gore bone ga ba tlholege mo Mogoditshane ka seo se busetsa ditlhabololo tsa motse kwa morago. Bokhutlo environment 5 Go botlhokwa go sala melawana morago’ Mapodisi a re a tshwenngwa ke batho bangwe ba ba sa tseyeng tsia melawana e e beilweng go lwantsha kanamo ya mogare wa corona. Ke sone se mookamela mapodisi a kgaolo ya District No. 16, Senior Superintendent Reuben Mphoeng, a boletseng fa ba lebisitse batho ba le lekgolo le masome a mabedi le bone molato wa go tsamaya mo mekgwatlheng ba sa apara dibipa dinko le molomo. A re ba gatisitse gape dikgang di le masome a mane le bosupa tsa batho ba ba nwelang nnotagi kwa marekisetsong le kwa mafelong a mangwe a go sa tshwanelang go nwelwa mo go one. Go na gape le dikgang di le supa tsa thekiso ya majalwa a setso le tsa batho ba ba nwelang mo malwapeng ba kgobokane. “Re kopana le dikgwetlho tse dintsi tsa batho ba ba nwang ba kgobokane mo malwapeng. Batho ba tsaya fela gore fa gotwe ba nwele mo malwapeng, go raya gore jaanong ba gololesegile go nwa ba kgobokane,” Senior Supt Mphoeng a tlhalosa. A re kwa kgaolong ya gagwe ya sepodisi, segolo bogolo kwa Mahalapye, go na le batho ba bantsi ba ba sa obameleng melawana e e beilweng go thibela kanamo ya segajaja sa COVID-19 “Ga re a nna fela, re eme ka dinao go netefatsa gore melawana e a obamelwa. Mme fa re diragatsa molao, batho ba bona ekare re a ba tshwenya kana re a ba kgokgontsha,” Senior Supt Mphoeng a supa. A re kgwetlho e nngwe e e tshwenyang ke ya batho ba ba nnang gaufi le molelwane wa Martins Drift le Thuli Block. Bontsi jwa batho ba, ba tlola molelwane fa go sa letlelelweng teng go tla mo Botswana le go ya kwa Aferika Borwa. Senior Supt Mphoeng a re go leka go itebaganya le seemo se, mapodisi a tsweletse ka go disa mafelo a. “Batho bao re ba lebisa molato wa go tlola molelwane fa go sa letlelelweng teng, re bo re ba atlhola madi a a seng kwa tlase ga P200. Mo godimo ga moo, re ba rolela ba botsogo gore ba ba kwarantine malatsi a le lesome le bone a bo ba tlhatlhobelwa mogare wa corona,” Senior Supt Mphoeng a supa. A re go lebega ekare batho ga ba ise ba lemoge manokonoko a a tsisiwang ke kanamo ya mogare o, a tlatsa ka gore batho ba dumela gore ba tshwanetse ba obamela melao ya ba botsogo fa ba bona mapodisi. “Go le gantsi batho ba dibanka le mabenkele le bone ba etle ba leletse sepodisi ba ikuela ka batho ba ba tlang kwa dikagong tsa bone ba sa rwala dipipa dinko le melomo,” Senior Supt Mphoeng a tlhalosa. Mo go tse dingwe, o tlholositse fa mo nakong ya gompieno seemo se boetse mannong kwa Dibete, morago ga gore batho ba thibelele teng ka bontsi fa go sena go thibelwa metsamao kwa kgaolong ya greater Gaborone. A re bontsi jwa batho ba ba neng ba thibeletse kwa Dibete ba ne ba le mo maikaelelong a go batla go feta ba sena diteseletso tsa metsamao tsa COVID-19. Le fa gontse jalo, a re ba ne ba kgona go laola seemo ka go letlelela ba ba neng ba na le diteseletso gore ba fete, le ba ba neng ba isa dithoto le ditirelo tse dibotlhokwa. Le fa go ne go na le ba ba neng ba sa ikemisetsa go dirisana sentle le mapodisi, a re ga ba aka ba lebisa ope molato ka nako eo. A re se ba neng ba se dira e ne ya nna go netefatsa gore ba diragatsa se se tshwanetseng go diragadiwa ka go ba kganela go feta. Senior Supt Mphoeng a re batho bao ba ne ba felela ba itlhoboga ba boela kwa morago, ka ba ne ba ba tlhaloseditse fa ba ka seke ba ba letlelela go feta ba sena diteseletso tse di maleba. “Re setse re lemogile gore go na le fa batho ba tlolang teng mo kgaolong ya Kgatleng ba bo ba tla go wela mantlheng a Poloka le Mokgenene. Mme mo nakong ya gompieno, seemo se setse se bepile,” Rre Mphoeng a supa. A re mo nakong ya gompieno, ga gona metsamao ka kwa ditseleng tseo. “Tiragalo e e diragetse fela ka nako ya thibelo metsamao kwa greater Gaborone, ka batho ba ne ba leka go iphitlhela mapodisi ka go ralala sekgwa ba tshaba dikganedi tsa sepodise,” Senior Supt Mphoeng a supa. crime_law_and_justice 1 Ba Inalegolo le Phuduhudu ba atla Ipelegeng Banni ba Phuduhudu le Inalegolo mo kgaolong ya Kgalagadi ba lebogetse mananeo a puso e a ntshitseng go thusa Batswana go inamola mo lehumeng. Ba buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso kwa metseng eo bosheng. Banni ba metse eo ba re, lenaneo la nyeletso lehuma le tswa tema ka banana ba inaakantse le lone ka dipalo tse di kwa godimo. Ba tsweletse ba re, dithuso tse di ntshitsweng tsa nyeletso lehuma ke tse di ba gwetlhang go ikemela ka dinao e le batho ba metse e e kgakala le ditlamelo go tsaya boikarabelo le go bereka ka natla go intsha mo lehumeng. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Inalegolo Rre Bamotshwere Qhabite, a re mananeo a ka ba solegela molemo fa badirelapuso ba ba lebaganeng le one ba ka tsibogela dikopo tsa bone ka nako. Rre Qhabite a re go na le banana ba le lesome le bone ba ba saleng ba solofediwa go neelwa dipodi fa ba tswa kwa dithutong tsa nyeletso lehuma kwa Struizendam mme nako kgolo ke eno ga ba ise ba bone sepe. O tlhalositse fa banana bao ba sale ba neetswe melemo ya dipodi e bile a supa fa gongwe e setse e tlotswe ke nako. Rre Qhabite a re seemo se se tshwanang le se, ke sone se ba okeletsang go tswelela ba ngaparelwa ke lehuma. Rre Qhabite o tlhaloseditse mothusa tona ka seemo se se sa ba jeseng diwelang sa bana ba Inalegolo ba ba tswang sekolong fela ba bo ba nna mo gae ba gana go boela sekolong. A re tiragalo e, e ba ngomola pelo ka bana ba gompieno ba tshelela fela mo nnotaging le diritibatsi. E rile a akgela modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Phuduhudu Rre Boemo Segwagwa, a re ba lemoga fa puso e sa ba lebale le fa ba le kgakala le ditlamelo ka mananeo one a goroga kwa ba leng teng. Rre Segwagwa a re ba lebogela lenaneo la ISPAAD ka ga ba lemele go ja fela, mme ba lemela le go rekisa tota. Rre Segwagwa o lekodisitse mothusa tona ka tlhaelo ya matlo a boroko jwa badirela puso, go okediwa ga dipalo tsa babereki ba Ipelegeng le matlo a mabedi a ba a neetsweng go oketsa a a ntseng a le teng. Mongwe wa batsena phuthego Mme Mmalesedi Mosweu o boleletse tona fa bone ba ise ba tlhalosediwe sepe ka lenaneo la tirelo setshaba le gore ke eng fa dikatso tsa bone di diegile. E ne e rile go le pele kgosi wa motse wa Phuduhudu Rre Joseph Phori a amogela baeng, a supa fa a sa itumelele ka fa lephata la kabo ditsha le abang lefatshe ka teng kwa motseng wa Phuduhudu. O ngongoregile gape ka lephata la ditsela la khansele, a re ba sale ba tla go tshela ditotoma tsa mmu o mosweu ba bo ba o tlogela ba sa o phatlhalatse. A re ditotoma tse di ba senyetsa dikoloi ka ba patelesega go kgabaganya fa go tshetsweng mmu teng. E rile a tsibogela ditebogo le dikopo tsa banni ba metse eo mothusa tona Mme Tshireletso, a kopa banana ba ba mo lenaneong la Tirelo Setshaba go nna pelotelele le fa ba ise ba bone dikatso tsa bone. O ba kopile go dirisa madi a ba a neelwang ka kelotlhoko, a re o itse gore madi a ba a neelwang a manyenyane mme Motswana a re lemme ga le bolae go bolaya lefifi. O rotloeditse badirelapuso go dira sentle le bana ba Tirelo Setshaba gore lenaneo le tle le ba sologele molemo. O lebogetse ba lekgotla la kabo ditsha go bo e rile ba utlwa kgosi a ngongorega, ba tsaya matsapa go ya go kopana le ene go rarabolola kgang e a ngongoregang ka yone. A re ba tshwanetse go le aramela le santse le tlhabile ka gongwe nako nngwe mananeo a tlaa bo a emisitswe. BOKHUTLO politics 7 A go rutwe bana ka boipuso Mogwebi mongwe kwa Bobonong a re go botlhokwa go rotloetsa bana go itse bomosola jwa letsatsi la boipuso. Rre Sediba Robert yo e neng e le sebui sa tlotla ka letsatsi la boipuso kwa Bobonong a re go a tshwenya go bo banana ba salela morago mo letsatsing le le botlhokwa le. Rre Robert a re go tsibosa batho ka boipuso go tlhokega gore go balwe go bo go kwale dibuka tsa ditso gore boleng jwa lone bo seke jwa nyelela. A re mo dingwageng tse di fetileng, Batswana ba ne tlotla boipuso ba le tsaya jaaka letsatsi la kereke, mme a kopa gore go nne le molao o o ka somarelang letsatsi la boipuso. Rre Robert a re go ipusa go akaretsa dilo di le dintsi jaaka ditshwanelo, go tlotla ba bangwe gammogo le itshireletso, le tlhaloganyo ya motho le yone e tshwanetse go nna le boipuso. A re go santse go nale batho ba ba bipang mpa ka mabele go sireletsa dirukutlhi go kgatlhanong le melao e e tsamaisang lefatshe. A re tshomarelo ya boipuso e akaretsa go fa ditiro ka bokgoni jwa motho kgotsa dikhampani, a re ka jalo setshaba se tshwanetse go baya seelo sa dithutego mo baeteledingpele ba sepolotiki gore ba kgone go emela dikeletso tsa bone le go godisa itsholelo. Rre Robert a re Batswana ba tshwanetse go itlwaetsa go bala le gore molao motheo o rutwe kwa dikolong gore ba itse ditshwanelo tsa bone le gore ba seka ba gataka molao. O abetse komiti ya boipuso P10 000 go baakanyetsa boipuso jo bo tlang ja dingwaga tse masome a matlhano. Modulasetilo wa komiti ya boipuso, Rre Moeti Maemo a re komiti eo e lebaganwe ke seemo sa tlhaelo ya madi go rulaganyetsa ditiro tsa moletlo o. Rre Maemo a re le fa go ntse jalo ba ne ba itoma sekgono gore ba kgone go rulaganyetsa dikgaisano tsa bomma le borra bontle mme ba ipelafatsa ka gore A re o ipelafatsa ka gore mma bontle mme Bontleeng Kgosietsile le rrabontle Rre Lala Johannes e le bone bafenyi ebile batla ya go gaisanya le ba bangwe kwa Gaborone go ipaakanyetsa boipuso jo bo tlang ka ngwaga wa 2016. A re monana Patience Serumola go tswa kwa motseng wa Motlhabaneng le ene ke mabontlenyane wa ngwao mme o tla emela lefatshe leno kgwedi eno mo dikgaisanyong tsa mafatshefatshe kwa Mexico. Rre Maemo a re se ke sesupo sa gore kgaolo e e na le bokgoni jo bo tseneletseng, mme ka seo e tshwanetse go ipelafatsa ka bokgoni jwa yone.. Letsatsi leo le ne la natifiswa ka mmino, maboko, segaba le dikhwaere. BOKHUTLO education 4 Nyeletso lehuma e namola Kgarametso Monni mongwe wa Makobo mo kgaolong ya Legare, Mme Kgololo Kgarametso, ke mongwe wa Batswana ba ba iphataphatelang. Mme Kgarametso o mo kgwebong ya go rekisa dijo e a e simolotseng a sena go utlwalela ka lenaneo le puso la nyeletso lehuma ka 2013. Mo potsolotsong, o tlhalositse fa gareng ga mananeo a a neng a a bewa pele ke ba ofisi ya boipelego, a ne a kgatlhegela la kapei gore a kgone go apaya dijo. “Tota nna go tsweng bonyaneng jwa me ke godile ke le motho yo o ratang go apaya mo lwapeng le mo medirong,” a supa jalo. A re kopo ya gagwe e ne ya atlega bofelong jwa 2013 mme ya re ka 2014 ya simolola sentle ka a ne a na le ditsompelo tsotlhe. O supile gore pele ga a abelwa dithoto tsa kgwebo, ene le ba bangwe ba ne ba romelwa dithutong tsa bogwebi kwa Nata. Mme Kgarametso o tlhalositse gore ba ne ba tlhatlhelelwa ka tsa go tsamaisa dikgwebo ga mmogo le tiriso le poloko ya madi a kgwebo. Go a supagala fa Mme Kgarametso, 40, a tsenye mo kgwebong ka lorato. O apaya dijo mo lwapeng kwa Makobo a bo a di rekisa kwa kgotleng, kwa sekoleng le kwa posong go latela babereki ba e leng bone bareki ba gagwe ba letsatsi le letsatsi. Magwinya le menoto ya dikoko o di rekisetsa mo lwapeng. O tlhalosa gore kgwebo ya gagwe e gola thata ka nako tse go nang le mediro le diphuthego kwa kgotleng ga mmogo le kwa lobaleng fa go na le metshameko. Mme yo wa mogwebi a re o motlotlo ka kgwebo ya gagwe ka e le yone e mo thusang go tlamela ba lolwapa la gagwe, a supa gore ga go na letsatsi le ba ka lalang ka tlala. Mo godimo ga moo, a re o kgonne go ikagela ntlo. Le fa go ntse jalo, Mme Kgarametso a re kgwetlho e tona mo kgwebong ke gore dinako dingwe ga e dire sentle, bogolo jang fa kgwedi e le fa gare. A re kgwetlho e nngwe ke gore batho bangwe ba kolota dijo mme ba retelelwe ke go duela. Mme o supile fa dikgwetlho tse di se kake tsa mo kgoba marapo. O kopile Batswana go inaakanya le mananeo a puso go ikinola mo lehumeng la nta e tshetlha a bo a kgala ba ba akotseng dithuso mme ba lesitse dikgwebo di phutlhama. A re go dira jalo ke boitseme mme a gakolola gore fa ba kopana le dikgwetlho, ba tswe ka maano a go itepatepanya le tsone gore ba kgone go tswelela. O kgothaditse Batswana go ititaya ka thupana le go nna le mowa wa boipelego. A re puso e dirile tiro ya yone ka go tla ka mananeo mme go saletse Batswana gore ba a dirise ka fa tshwanelong gore a ba solegele molemo. O rotloeditse ba ba filweng dithuso go bereka ka thata gore dikgwebo tsa bone di atlege, a tlatsa ka go re kgwebo nngwe le nngwe e tlhoka lorato, bonatla, boitshoko le bopelotelele. Mme Kgarametso a re lenaneo la nyeletso lehuma le mo thusitse go tsena mo kgwebong e a saleng a e eleditse. “Ga ke itse gore fa e ne e se ka lenaneo le ke ka bo ke le fa kae.” O boletse gore o eletsa go ipona a na le lefelo le legolo le a tsamaisetsang kgwebo mo go lone e bile a rekisetsa dikompone le meletlo e megolo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ba-na-le bogole ba ka nna bagwebi Makalana a a ka fa tlase ga lephata la papadi le madirelo a tsere matsapa a isetsa ba-na-le bogole ditlamelo e le tsela ya go ba kgothatsa go tsena mo dikgwebong. Fa a bula semmuso dithuto- puisanyo tseo kwa Selebi Phikwe ka Labobedi, molaodi Rre Mokgethi Nfila o lebogile ba lephata la papadi le madirelo go nna le seabe mo go ruteng ba-na- le bogole ka tsa kgwebo, ka se se ka dira gore ba nne le seabe mo tlhabololong ya lefatshe. Rre Nfila o ne a gatelela gore ba-na-le bogole ba na le seabe mo kgolong ya itsholelo ka mo nakong ya gompieno ba supile fa ba na le botsipa jwa go tsamaisa dikgwebo. O tlhalositse fa Selebi Phikwe a setse a alositse dikgwebo tsa ba-na- le bogole di le lesome le borataro. O ne a supa fa palo ya batho ya 2011 e supa fa ba-na-le bogole mo lefatsheng leno ba le 59 103, mme a tlhalosa fa bo-na-le bogole bo sa itse ope go ka akola mananeo a puso a maikaelelo a one e leng go tlhabolola botshelo jwa Batswana. O ne a supa fa letlhoko la ditiro le tshwenya, mme go tlhoka gore ba-na-le seabe ba tshwaragane go tswa ka maano a go tlhama mebereko. E ntse e le kwa thuto-puisnyong eo, Mme Mpho Lucas, yo e neng e le morulaganyi mogolo wa tiro eo, o supile fa lephata la papadi le madirelo le eme ka dinao go bona gore ba-na-le bogole ga ba bewe ka fa mosing. Mme Lucas o supile fa maitlamo a lephata e le go bona ba-na-le bogole ba na le dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone, ka se se ka fokotsa dipalo tsa batho ba ba thusiwang ke puso. Fa a tswa la gagwe, Mme Matshidiso Mpayang go tswa kwa go ba kwadiso dikompone, o rotloeditse batsena phuthego go tlhama dikompone le go di kwadisa ka fa molaong, a supa fa e tlaa re ka Seetebosigo kwadiso ya dikompone e bo e dirwa ka maranyane. Mme Mpayang a re mabaka a go dira jalo ke go fokoletsa batho mosepele wa go ya go kwadisa dikompone kwa Francistown, a tlatsa ka go re kompone nngwe le nngwe e e mo tirisong e tshwanetse go kwadisiwa, a supa fa le tse di setseng di kwadisitswe di tlaa bo di kwadisiwa sesha. O ne a supa fa puso e tsere tshwetso ya gore melala ya dikoloto e tlaa re mo kwadisong sesha e bo e seegelwa kwa thoko, kana e phimolwa, mme a kopa setshaba go dirisa monyetla wa go nna jalo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Go runya ga dikereke go a tshwenya Kgosi Simon Nkageng wa Tati Siding a re ga a jeswe diwelang ke dikereke tse di tsweletseng ka go runya mo motseng. Kgosi Nkageng o buile mo potsolotsong bosheng fa palo ya dikereke mo motseng oo e tsweletse ka go golela pele. Kgosi o supile fa a se kgatlhanong le gore dikereke di ka obamela mo motseng, fela a re ga a itumedisiwe ke gore go runya ga dingwe dikereke tse go na le dilabe. O boletse fa dingwe dikereke tse di sa kwadisiwa ka fa moalong, dingwe di sa sale tsamaiso e e maleba morago fa tse dingwe tsone di obamela mo metseng, sengwe se a kaileng fa se na le seabe go baka modumo fagare ga motse. Kgosi Nkageng o supile gape fa dingwe dikereke tse di ipa fela mo mafelong ha a sa rebolwang tse dingwe tsone di obamela kwa sekgweng, seo se felele se baka kgotelesego ya tikologo ka jaana Fa di obamelang teng go sena fa go iteketswang teng. A re mangwe mabaka bna a tlhotlheletsang go runya ga dingwe dikereke ke gore mangwe maloko a kereke a retelwa ke go rarabolola dikgotlhang kgotsa dikgwetlho tse di tlhagogang mo kerekeng mme seo se felele se dira gore ba bangwe ba tlogele kereke ya pele ba ikemela. Kgosi o bile gape a tlhalosa fa bangwe ba setse ba ntshitse kereke lefelo la kwebo ka jaana ba eteleditse Dikgang tsamadi kwa pele. Go sale foo Kgosi Nkageng o supile dingwe dikereke ka monwana a tlhalosa fa di rotloetsa boitshwaro jo bo saamogelesegeng. A re dingwe di tswa bosigogare mme seo se dire gore banana ba lale ba tsamaya bosigo phelelong ba inaakanye le ditiro tsa go tlhoka tsebedi akaretsa go itshiela notagi le tse dingwe. Kgosi o bile a supa gape fa a sa itumedisiwe ke go bona dingwe dikereke tse di ikgogela morago fa go na le ditiro mo motseng tse di tlhokang kemo nokeng ya kereke. A re ka nako ya dintsho kgotsa mediro e mengwe e e tlhokang kgotlatso ya kereke, dingwe dikereke tse di nna maoto a tshupa go ka tswa thuso. Mo go tse dingwe Kgosi o kgadile bangwe ba ba tsweletseng ka go disetsa leruo la bone fa gare ga motse, a re le fa ba leka go tsibosa ka bodiphatsa jwa leruo fa go tsamayang dikoloi, maiteko a bone ga a tswe tema ka jaana bangwe ba tsweletse fela ka go tlogela leruo le sena tlhokomelo mo le felela le kgopakgopana le dikoloi. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Banana ba rotloediwa go tsena diphuthego Mopalamente wa Molepolole Borwa Dr Tlamelo Mmatli a re o tshwenngwa ke go nna maoto a tshupa ga banana. A re ga ba supe kgatlhego go tsena diphuthego tsa kgotla. O buile jaana kwa phuthegong ya kgotla mo kgaolong ya gagwe ya botlhophi ya Sebele, a kopa batsadi go kgothatsa bana go gwetlhega ka jaana kgotla e le gone kwa dithabololo tsa motse di rerwang teng. A re banana ka bontsi ba gaketse ka go bua ka matshwenyego a a amang tlhabololo ya motse gammogo le matshelo a bone mo maranyaneng a Facebook, go na le go a bua phatalatsa mo kgotleng kwa go nang le batsaya karolo ka go farologana gore go bonwe tharabololo. “Seabe sa banana le megopolo ya bone di botlhokwa mo go tlhabololeng isago ya lefatshe le. Ka jalo go botlhokwa gore ba tsene diphuthego tsa kgotla ka e le tsone mmangmang mo go bueng ka dikgang tse. Ke itemogetse gore banana ba bua thata kwa Facebook, ba tlhobosa ditiro tsa mapalamente ntle le bosupi ka jaana ba le boutsana mo diphuthegong tsa kgotla.” Rre Mmatli a re o tshwenngwa ke madi a ditlhabololo a a fiwang kgaolo ya botlhophi. A re o eletsa gore fa a ajwa go lejwe palo ya batho mo motseng ka jaana metse a mennye e tsaya madi go lekana le e megolwane. A re Molepolole ke motse o motona go gaisa metse yotlhe mo Botswana, selo se a reng go thata go kgaoganya madi a dithabololo ka jaana a sa lekane fa go tshwantshanngwa le metse e mengwe. A re o tlaa tswelela a kopa kwa palamenteng gore go okediwe phiro ya Ipelegeng go lebilwe gore batho ba bantsi kae. O ne a kgothatsa morafe go nna le tsholofelo ya tokafatso tlhaelo ya melemo ka jaana go fetisitswe molao-kakanyetso gore dikhamphani tse di sekasekilweng tse di nang le bokgoni di tlaa dira melemo mo Botswana go lwantsha tlhaelo ya melemo. Mongwe wa banni Mme Potso Sugape o ne a kopa gore ba sepodisi sa Molepolole se abelwe ditante, a supa fa go le mosuke e bile go sena sephiri mo diofising, selo se a reng se ka baka gore batho ba tshabe go bega dikgang tse di masisi ba phuthologile. Mme Sugape o kopile gore dikatso tsa badiri ba komiti ya ditlhabololo tsa motse di sekasekwe ka jaana e le bone ba belegeng motse. Fa a araba matshwenyego, Mopalamente Mmatli a re ke boammaaruri ga go na sephiri kwa diofising tsa sepodisi mo e bileng batho ba boela malwapeng ka dikgang tse di masisi. A re ke kgang e a tlaa e salang morago. A re dikgang tse dingwe o tlaa di tsaya mhago go di isa kwa palamenteng. society 9 Malwetse a matlho a tshwenya baithuti Baithuti ba feta makgolo a mararo kwa sekoleng se segolwane sa Molefi ba amilwe ke malwetse a matlho a a bakang bofofu. Ngaka ya matlho Rre Seabelo Maje o boletse gore dipatlisiso tse ba di dirileng bosheng di supile gore baithuti ba le 200 ba na le pono e e kwa tlase jo bo bakwang ke go lebelela ditshwantsho tsa motshikhinyego lebaka le le leele le go dirisa megala ya letheka thata. A re bana bangwe ba bonela kgakala (hyperlopic) fa bangwe ba tshwenngwa ke go opa ga ditshika tsa matlho. Fa a bua kwa moletlong wa go abela bangwe ba baithuti bao digalase tsa matlho le dithobane kwa sekoleng sa Molefi ka mafelo a beke, kwa Mochudi, Rre Maje o supile gore malwetse a matlho a tshwenya thata mo baithuting. O bile a gwetlha batsadi, barutabana le setshaba ka kakaretso go tsibogela seemo se. “Dipatlisiso di supile gore 50 per cent ya bana ba sekole go simologa ka ba ba botlana go ya kwa go tse dikgolwane, ba lwala matlho. Mo sekoleng seno, re kgonne go tlhatlhoba bana ba feta 300 mme ra tlhopha ba le 41 ba re neng re lemoga gore seemo sa bone se maswe thata gore ba kgone go abelwa digalase ke ba mokgatlho wa YOLO Motor Cycle Club,” Rre Maje a tlhalosa. A re mangwe a malwetse a matlho a a amileng baithuti a ka alafiwa ka tsone digalase, mangwe a ka alafiwa ka melemo fa a mangwe a ka alafiwa ka loaro. O kgothaditse baithuti go fokotsa go lebelela ditshwantsho tsa motshikinyego le go dirisa megala ya letheka thata mme ba dire metshameko ya maloba e tshwana le dibeke go itlosa bodutu. Mo ntlheng e nngwe, Rre Maje o supile gore dipatlisisiso tsa mafatshefatshe di kaile gore bomme ba amilwe ke bolwetse jwa pono e e kwa tlase (short sightedness) mme gape le yone e ka tokafadiwa. “Lefatshe ka bophara batho ba le 37 million ba na le bofofu, ba le 253 million ba na le pono e e kwa tlase fa ba le 217 million ba bonela kgakala. Bolwetse jwa letha bo amile 25 per cent ya batho, glaucoma e tsere 3.9 per cent fa uncorrected refractive error yone e tsere 50 per cent. Ke gwetlha setshaba go itse gore dithuso le ditlamelo tsa matlho di bonwa kae. Ke gwetlha le yone puso le ba ba ikemetseng go netefatsa gore ditlamelo tsa botsogo jwa matlho di nna teng mo Mochudi,” Rre Maje a tshwaela. O ne a tlhalosa gore mangwe a malwetse a ka bakwa ke seemo sa loapi jaaka letsatsi, dikgobalo le tse dingwe. O supile gore letha ke fa lesire la leitlho le amegile le bo le nna thata mme motho a bo a sa kgone go bona sentle, go le letobo. “Glaucoma yone ke fa ditshika tsa matlho di sa kgone go ntsha le go tsenya metsi mo matlhong sentle,” Rre Maje a tlhalosa. O ne a bua a itebagantse le setlhogwana se se reng, Pono e e Kwa Tlase Kana go Tlhoka Pono ke Kgwetlho, a re Tseyeng Kgato’ mme gape se tsamaelana le setlhogo sa letsatsi la mafatshefatshe la World Sight Day se se reng; Botsogo jwa Matlho Gongwe le Gongwe. E rile a tswa la gagwe, mokwaledi mogolo wa mokgatlho wa YOLO, o o dirilweng ke maloko a le 21 Rebecca Mokalanga a re maitlamo a bone ke go thusa setshaba go tlhabolola lefatshe la Botswana. Mogokgo wa sekole sa Molefi Rre Francis Semathane o akgotse maiteko a mokgatlho wa YOLO mme a supa gore a tlaa thusa go tlhabolola thuto le maduo a a neng a wetse tlase ngogola. BOKHUTLO health 6 Masogo o bolokilwe Setshaba se ne se tshologetse phitlho ya ga Kgosi Keetla Masogo kwa Palapye ka Matlhatso yo o tlhokafetseng Seetebosigo a le 29 morago ga go lwala ka lobaka. Kgosi Masogo yo e neng e le kgosi wa tetlanyo, o kailwe e ne e le morutegi wa popota, a le lorato, senatla e bile a na le tebelopele gape a sa tseye lotlhakore fa a ntsha dikgakololo kana a tsaya ditshwetso ka nako ya fa a santse e le modirela puso. Molaetsa wa matshidiso wa ga Tautona Mokgweetsi Masisi o supile fa Kgosi Masogo e ne e le modirela puso wa tlhotlhwa ka a ne a tshwara maemo ka go farologana mme a direla lefatshe leno ka boineelo le bokgabane. Mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya o kaile fa Kgosi Masogo a ne a na le seriti, ke ka moo a neng a tlhongwa kgosi ya tletlanyo ka 2016. Rre Goya a re e re ka go twe kgosi thotobolo e olela matlakala, Kgosi Masogo o ne a na le pelo go reetsa tsotlhe tse morafe o tlang ka tsone. A re Kgosi Masogo o tsere karolo e kgolo mo ditlhabololong tsa Palapye, a ntsha dikgakololo le mafoko a kgothatso. A re go bo a kile a tshwara maemo a mokwaledi kwa maphateng a puso ka go farologana, go supa fa e ne e se Kgosi fela, e le kgosi e e mebalabala ya dithutego. A re ka 1978 fa e ne e le mokwaledi lephata la thuto, Kgosi Masogo o ne a nna le seabe se segolo go gakolola ka tsamaiso le mananeo a thuto e e fiwang Batswana. “Barutabana ba nako eo, ba ba neng bo tshabega, ba tlotlega, ba dira ka botswapelo, ba ne ba eteletswe ke ene,” Rre Goya a tlhalosa. Tona wa dikgaolo le tlhabololo Magae, Dr Pelonomi Venson-Moitoi o kaile fa Kgosi Masogo e ne e le senatla mo tirong ya bogosi a dirisa dithutego tsa gagwe. A re Kgosi Masogo o ne a rata dilo tse di tlhamaletseng. Dr Venson-Moitoi a re Kgosi Masogo o dirile tiro ya gagwe a santse a le mo botshelong a bereka ka natla go direla Botswana. A re Botswana o tlhoka dikgosi tsa sebopego sa ga Kgosi Masogo go gatela pele mo ditlhabololo BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Bokone Botlhaba e ipaakanyetsa ditshupo Komiti ya ditshupo ya kgaolo ya Bokone Botlhaba e simolotse go baakanyetsa ditshupo tsa monongwaga tsa kgaolo eo. Komiti e maloko a yone a akaretsang bodiredi jwa maphata a puso gammogo le balemi-barui bangwe ba kgaolo, e ne ya tshwara phuthego kgwedi eno e le lesome le bone, e mo go yone e neng e tsosolosa dikomiti tse di itebagantseng le go baakanyetsa tiro eo. Dikomiti tseo, tse di neng tsa abiwa ka ditiro tsa tsone di akaretsa ya go kokoanya madi, ya kanamiso melaetsa , go baakanyetsa baeng dijo le ya go kgabisa. Tshwanelo ke gore mo phuthegong e e latelang, dikomiti di bege ka fa di tsweletseng ka teng mo dipaakanyong tsa tsone. Ditshupo tsa monongwaga tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba di rulaganyeditswe go tshwarwa kgwedi ya Phukwi e le masome a mararo le motso go fitlha ya Phatwe e le malatsi a mararo. Fa a akgela mothusa molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba a lebagane le tsa ditlhabololo, Rre Onkokame Mafoko, o ba kgothaditse go dira go tlala ka diatla go tlhomamisa gore seemo sa ditshupo tsa monongwaga se tokafala go gaisa sa ngogola. Rre Mafoko a re diphoso tse ba nnileng le tsone ngongola, di seka tsa ba kgoba marapo. BOKHUTLO politics 7 Lesetedi o akgola mokgatlho Mogolwane mo sepodising sa Botswana Rre Nnunu Lesetedi o iteetse legofi mokgatlho wa Botswana Institute of Rehabiltation and Reintergration of Offenders (BIRRO) o o itebagantseng le go fetola matshelo a banana ba e leng badira melato. E rile fa a bua mo potsolosong le A re go a lebosega go bona go na le Batswana ba ba ititeileng sehuba go tshwaragana le puso go aga Botswana yo mosha, o o gololesegileng, a tlatsa ka go re kgololesego e ka nna teng fela fa go sena borukutlhi jo bo beileng Batswana mo lehumeng,kutlhobotlhoko le bohutsana. O tlhalositse fa lefatshe leno le tlhagafaditswe ke borukutlhi jwa methale ee farologaneng ebile e le jwa maemo a a ko godimo, a supa fa tiriso ya ditagi tsa metswako e e farologane le majalwa a mo malwapeng di tsere phekelo e sele, selo se a kaileng fa se rotloetsa ditiro tsa borukutlhi. A re matlhotlhapelo ke gore dikgetsi tsa badiramelato ya go nna jalo di tsaya lebaka go atlholwa ka jalo ba ba amegang mo melatong ya go nna jalo ba felele ba batla ditsela tsa go iphemela ka go dira dikgetsi tse dingwe gape, selo se a reng se busetsa maiteko ba sepodisi a go lwantsha borukutlhi kwa morago. Rre Lesetedi o kopile Batswana go tshwaragana le puso go lwantsha borukutlhi le go aga Botswana yo o phepa, a itshekile ebile eletsega. O kopile morafe go lesa go bipa mpa ka mabele. A re batho ba ikanye thata lefoko la Modimo go ba supetsa tsela ya go aga setshaba. E rile fa a ntsha la gagwe mo boemong jwa batsadi ba bana ba bone ba thusiwa ke BIRRO, Mme Boitumelo Motsumi, a tlhalosa fa go sena motsadi yo o eletsang go bona ngwana wa gagwe a inaakantse le ditiro tsa boikepi. A re keletso ya bone ke gore bana ba ba itirele maina a a ba tlotlomatsang mo setshabeng. O rotloeditse batsadi go emela bana ba badira melato ka dinao go ba batlela dithuso tsa ba golola mo bo ditirong tse di makgapha. A re go ba tlhabelwa ke ditlhong ke go ba okeletsa mathata. Mme Motsumi a re go itlhoboga ga se molemo wa kgang, bomolemo ke go dira ka gotlhe mo ba ka go kgonang go fetola bana ba bone go nna dibopiwa tse disha. crime_law_and_justice 1 Bogodu bo dia kgokelo ya motlakase Maiteko a khansele a go phatlalatsa motlakase kwa ditsheng tse disha tsa Mekorong kwa Selebi Phikwe a itaa sefololetse ka magodu a inaakantse le go utswa megala eo bosigo. Se se builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Selebi Phikwe Botlhaba e bile e le tona ya dikago le boranyane, Rre Nonofo Molefhi, mo diphuthegong tsa kgotla tsa kgaolo eo kwa Ikageleng le Botshabelo. Tona Molefhi o ne a tswelela a re go itepatepanya le seemo se, ba tsere tshwetso ya gore ba gagamatse itshireletso ka go baa ba sepodise ko lefelong leo ka go baa dikago tsa nakwana go leka go fema seemo seo le gore a maiteko a khansele a atlege ka go dirisiwa didikadike go reka megala eo le go duela rakonteraka go gokela. Mo go tsa leruo le le gobeang mo toropong, tona a re puso e mo tseleng ya go fetola molao motlheo ka go lebega tlhwatlhwa e e lopiwang barui fa dikgomo tsa bone di gapilwe e le ko tlase mme seo e le ditshenyegelo mo khanseleng ka madi a dirisiwang go tlhokomela leruo la bone a kabo a dirisiwa mo go tlhabololeng matshelo a Batswana. Mo go tse dingwe tona o tlhalositse fa didirisiwa tsotlhe tse di tlaa bong di dirisiwa go apaa maungo le merogo (drying and pickling) mo madirelong Horticulture Processing Plant a agiwang mo Selebi Phkiwe, di gorogile e bile le badiri ba setse ba rutuntshitswe. Tona Molefhi o kopile morafe go ikitaa ka thupa go inaakanya le tsa temo gore e sekaya re kamoso madirelo ao (Horticulture Processing Plant) e bo e tswetswe ka lebaka la go tlhoka maungo a a ka dirsiwang. Mopalamente Molefhi o tsweletse a tlhalosa gore ba lemi ba ba lemang gaufi le noka ya Motloutse ba tsenyetswa motlakase e le maiteko a go rotloetsa temo ka ke yone e ka ntshang lefatshe mo lehumeng. Mo go tse dingwe Tona Molefhi o ne a bolela fa madirelo a go nyerolosa tshipi le yone a tsweletse sentle. E bile a re madirelo ao a tile go tlhapa Batswana ba le sekete go ya ko diketeng tse tlharo. Mme Mopalamente o ne a kopa setshaba go ela tlhoko dithoto tsa bone ka bogodu jwa megala ya metlakase le dilo tse dingwe tse di dirilweng ka detshpi bo tlile go gola.. Tona Molefhi a re maikaelelo a puso ke gore e tsosolose bokamoso jwa toropo ya Selebi Phikwe. a tlhalosa gore rakonteraka yo o tlhabololang lebala la difofane o setse a simolotse tiro a re se tlaa thusa mo go tswakanyeng mefuta dikago tse di agiwang mo Toropong ya Selebi Phikwe. Tona o ne a tswelela a re ke maikakelelo a puso ke gore konteraka ngwe le ngwe e seng ya mo Botswana ga e neetswe tiro e e tona ya go aga, e neele di konteraka tsa Batswana selekanyo sa diphesente tse masome a mararo go dira ditirelo mme seo se tla nonotsha dikonterka tsa beng gae. Tona o ne a wetsa ka gore molao wa bo radikitso tsa boranyane, o fetotswe ka kgwedi ya Moranang a tlholagangwe gore mongwe le mongwe yo o feditseng dithuto tsa gagwe mo go tsa kitso le boranyane (Engeeneering and Artitechure) a ikwadise mo makgotleng a tsa dithutego tseo jaaka ba molao le ba botsogo. ENDS politics 7 Vissagie: Mogaka wa botsogo jwa bana Fa o feta ka jarata ya ga Mme Sophia Vissagie mo kgotlaneng ya Borakanelo mo Tsabong,o bona bommabana ba fodile,selelo sa bana le sone o se utlwa o sale kgakala,mme o felele o ipotse gore a go nale kokelo ya bana mo motseng. Selelo se se ne sa gogela mmega dikgang wa BOPA Johannah Martin mo lelwapeng la ga mma Vissagie. E rile go gorogeng game ke ne ka kgatlhantsiwa ke go bona bomma bana ba ntse fatshe ba bange ba fetafeta mo jarateng mme ka ipotsa gore a go nale kokelo e e itebagantseng le bana kana go nale moletlo a bana. Kamogelo e ne e le e e itumedisang mme ka kopa go bona beng ba lwapa, go ne ga bidiwa mosadimogolo yo o neng a ema fa kgorong a ntumedisa ka lorato mo ke neng ka utlwa pelo yame e tlala ka boitumelo mme mosadimogolo o ne a nkgoba marapo fa a ntlhobosetsa gore a kgona go mpona fela fa a feditse le moratshana a raya bana. E re lentswa palo ya bana e ne e le kwa godimo ke ne ka nna pelotelele ka leta. Fa ke ntse ke letile ke ne ke bona bana ba lwala malwetse a a farologanang, difatlhego tsa bommabone le tsone di ama keledi e le thata le go kganelesega. Sengwe se ke neng ka se ela tlhoko ke gore fa bommabana ba tswa mo teng ga ntlwana monyenyo o ikadile mo difatlhegong tsa bone gape bana le bone ga ba sa tlhole ba lela ba tswa ba robetse mme ke ne ka ipotsa gore se se fetolang bommabana le masea a bone mo ntlwaneng ke eng. Fa oura tse tharo di wela ke fa go setse bommabana ba le babedi mme ka itumela ka di ne di setse di gwaile ke itse gore ga go a sala sebaka se se kalo gore ke tshware logaba. Mme ke ne ka swaba ka bo ka kgobega marapo fa bommabana ba bangwe ba goroga mme mosadimogolo a ntsha taelo ya gore ke ba fe sebaka sa go tsena pele game le fa ba mphitlela. Ke ne ka inela, mme mo letsatsing le ka bona dikgakgamatso tse ke iseng ke di bone mo botshelong jwame,e ne ele lantlha ke kgona go itshokela ramatheka ebile gape e ne e le lantlha ke kgona go akanya le go nna botlhale jaaka kgosi Solomone le fa lela lame lelela boatleng ke tlala. Ka le letsatsi le ke ne ka tlela ke kakanyo e e botlhalenyana gore go raya gore bana ke konokono ba tla pele mo go mme Vissagie.Ammaruri fa a sena go fetsa le bana a mpha sebaka o ne a ntlhalosetsa fa bana ba tla pele mo go ene. Mme Vissagie o ne a ntlhalosetsa fa a tlooditswe ke Modimo go thusa go alafa bana mme ebile o nale dingwaga tse di masome a fera bobedi le botlhano (85) a dira tiro. O ne a tlhalosa fa a alafa bana ka go ba sidila, go ba fa molemo o o itsegeng ka leina la mokumiso le go ba direla setlolo se gopang botlhoko se a se bitsang poleisetere. Malwetse a bana a bana a mme Vissagie a alafang o kaile fa ele phefo e a e bitsang skelem siek, go ela ga phogwana ya ngwana, seleimi,setshwabo le diphachane. Fa a tlhalosa bolwetsi jwa skelem siek a re ke jo bontsi jwa bana ba tlholegang ka jone a re ka logata lwa tlhogo ya ngwana le abo le ise le nonofe thata gape le ise le kopane thata kgonalesego ya gore phefo e tsene ngwana e ikale ka mmele otlhe e kwa godimo. O ne a kaya fa bolwetsi jo bo ka baka gore magetla a ngwana a gagamale gape phefo e e ka mo bipetsa ya mo kgama, mme o ne a tlhalosa fa mo go ene bolwetsi jo ese seopisa tlhogo a tlhalosa fa a sidila ngwana ka molora a sunlight o o dirisiwang go tlhapa ka o mo thusa go sidila menana e sa relele lefela mme e tsenela ko teng e bofolola se se tshwaregileng. Morago ga tshidilo a re o fa ngana mokomiso o o tsakantseng ka medi e e farologaneng. Bolwetsi jo bongwe jo ngaka ya bana a bo alafang ke go wela ga phogwana ya ngwana a re bo kgona go bakia ke phefo le fa ngwana a tlodisiwa metlhala e e sa siamang jaaka a bomme ba ba senyegetsweng le batlholagadi. O ne a tlhalosa fa go kopaneng le metlhala ya ba ba latlhegetsweng ba santse ba le mo kutlobotlhokong go ledisa ngwana thata ka mowa wa gagwe oa bo o kopane le moa o o botlhoko mme le one o tlhokofale gape a bo ka opisa ngwana tlhogo. Kalafi e mme Vissagie a e dirisetsang bolwetsi jo ke poleisitere e e thusang gore logata lwa tlhogo ya ngwana lo kitlane lo boele manong gape e goga botlhoko jo bo ka fa teng ga tlhogo bo bo ntshetsa kwa ntle. Setshabo a re se bakiwa ke fa lerapo le le fa setshwabong le sutetse ko tlase mme go paledise ngwana go ja sentle, gape go nna go le botlhoko. Kalafi e mme Vissagie a kaileng a dirisetsa setshwabo ke go sidila ngwana a tsholetsa leratsana a le baya mo mannong a lone a a tshwanetseng. Diphachane ke bolwetsi jo bongwe jo mme Vissagie a ipitsang kwankwetla ya kalafi ya teng. Fa a tlhalosa diphachane are ke boletsi jo bo bakiwang thata ke fa ngwana a anya mongwe wa batsadi ba bana a kopana le motho o sele mo dikobong a bo a tla tshwara ngwana ka diatla tse Vissagie a reng di abo di le molelo. A re bo borai fela thata fa mmangwana a kopanela dikobo le rre yo eseng rrangwana. Go ya ka moitsanape wa botsogo jwa bana,a re dikai tsa diphachane ke go sa tia ga ditokololo tsa ngwana,dinama tsa ngwana di nna metsi ga di gagamale,ngwana a diphachane o nna tlhogo moimele fa bankanaagwe ba kua ba re folaemachine ba bona sefofane mo loaping ene are khine a bo a itagana ka sekota fa fatshe. Kalafi ya bolwetsi,Vissagie o tlhalosa fa e le mokumiso. Nngwe ya dikalafi tse a di dirisang ke sebaga sa molala se se nang le kgetsi e e nang le metswako e e farologaneng e e thibelang malwetse a bana le gore bana ba seka ba sirega kana ba okamiwa ke meriti le metlhala e e sa siamang. Fa ke mmotsa ka tshimologo ya gagwe ya gore a alafe bana,mosadimogolo ouma Sophia jaaka bommabana ba mmitsa o ne a tlhalosa fa a simolotse a nale dingwaga di roba bongwe ke fa mmagwe a tshola mongwe wa bomonnnawe mo nageng go sena ope ka jalo a tshwanelwa ke go thusa ka go kgaola mohubu a ngwana a ba a o alafa kamolora wa leiso abo athusa mmage a mo sidila. A re tiro e o ne a e dira ka ketelopele ya mowa o o boitshepo mme ga atlega monnawe a tshela a gola sentle. Morago ga tiragalo e,mme Vissagie a re o ne a leka go itlhokomolosa pitso e Modimo a e mmiditseng ya go alafa bana mme a tlhorontsega a tlhoka kagiso le boroko mme a araba pitso e a dira tiro neo le yone e ne ya gola. O kaile fa lorato lwa gagwe mo tirong e le ne la gola ka o ne a bona gore o babalela botshelo jwa bubusi le baeteledipele ba isago.Go ya ka mosadimogolo le fa ngwana a tla a gateletswe ga a tshoge ka go nne oa bo a nale tumelo le tshepo mo Modimong gape o dumela gore maatla a Modimo a bo a tsere taolo a re se ke sone se se fang bommabana tumelo le tsholofelo mme pheletsong bana ba fole. O ne a nyalwa a ya go nna kwa polasing ya gagwe e e bidiwang Welverdien gaufi le Rappelspan ka nako ya teng go ne go ise go nne le dikontere le ditlhaeletsano mme batho ba ne ba goroga ba le bantsi ba akaretsa bana le bomme ba ba itsholofetseng ka ka nako ya teng o ne a santse a itekanetse a alafa bana ba santse ba le mo dibopelong tsa bommabaone. Setlankana sa ga mme Vissagie sa go thusa bodiredi ja botsogo ka kalafi ya malwetse a mangwe ke sesupo sa gore mme yo ke mogaka,ammaruri ke motlodiwa wa tsa botsogo. Mme yo o kaile fa ba botsogo kwa Bokspits ba ne ba mo dirisa fela thata go alafa malwetse a bana le mathata a boimana gongwe ngwana a sa nna sentle kana lela la mohubu le itshopile ka ngwana o ne a le tshopolola a bo a baya ngwana mo maemong a a tshwanetseng ka go mo sidila. A re ka ngwaga wa 1999 o ne a fudugela mo Tsabong mme a akanya fa tiro e tla fokotsega ka o ne a setse a itapetse botsofe bo sa mo ntshetse mme ka maswabi go ne ga nna le koketsego. Mma Vissagie yo o dingwaga di masome a robang bongwe le bone o tlhalositse fa bogodi bo mo paledisa go sidila ka jalo mo bogompienong a sidla masea le bana ba ba ka tlase ka dingaga tse supa ka ba sena dilabe tse di kalo. Le fa go ntse jalo mosidili yo a re go mo ama tota fa a sa kgone go thusa balwetsi mme a itse kalafi,a tlhalosa fa pelo e batla mme mmele one o palelwa,are mme legale bange ba nale tumelo ya gore o tlooditswe ke Modimo mme fa ba mo fitlhela a gateletswe mo diphateng ba baya bana fa thoko ga gagwe ba dumela gore moriti wa gagwe o ka fodisa bana fela jaaka wa ga Petoro mo Baebeleng mme ba fe bopaki. health 6 Kgosi o rotloetsa batsadi go ruta bana ngwao Batsadi ba rotloeditswe go ruta bana ngwao ya Setswana gore e re ba gola ba e tshegetse le gone go sala morago ditsamaiso tsa ngwao ya bone. E rile Kgosi Oscar Mosielele a bula ntlo ya ngwao kwa sekolong se sebotlana sa Artesia bosheng, a supa fa Setswana se nyeletse e bile le tsone ditso di sa tlhole di itsiwe. A re Batswana ba beile ngwao ya bone ka fa mosing e bile bangwe ba tlhajwa ke ditlhong go diragatsa ngwao ya bone a tlatsa ka gore seo se ka babalela bojanala jwa lefatshe leno ka jaana bajanala ba tla mono go bona ngwao ya Batswana. Kgosi Mosielele a re ka jalo puo ya Setswana le yone ga e sa fiwa tlotla e e tshwanetseng ka go bua sekgoa thata go na le gore re rute batswakwa teme ya rona ya Setswana gore e nne le seriti se se e thswanetseng. A re e re ka jaana ngwao ya Setswana e humile e tshwanetse ya rutwa bana ka jaana tshaba e e senang ngwao ke moka e suleng. O ne a rotloetsa batsadi go ruta bana ngwao a tlatsa ka gore ntlo eo ya ngwao e thswanetse ya dirisiwa go supa le go kaela bana ngwao e ba sa tlholeng ba e itse. Kgosi Mosielele a re e le magosi tiro ya bone ke go somarela ngwao, go e boloka le gone go bona gore e salwa morago. “Bana ba malatsi a ga ba itse ngwao ka lebaka la dithuto tsa gompeino, mme go mo go rona batsadi gore re ba rute ngwao le ditsamaiso tsa yone gore sesha se seka sa hupetsa ngwao ya Setswana”, ga bua Mosielele. A re temo mo lefatsheng la Botswana e tsweletse ka go wela tlase ntswa ka Setswana motho o tshwanetse a lema gore a kgone go ijesa e bile fa Batswana ba ne ba ka tlhwaafalela ngwao ya bone go ka bo go sena mathata a goromente a kopaneng le one a go abela batho dijo. Kgosi o ne a supa fa ngwao e fetoga mo tsamaong ya nako mme ga re a tshwanela gore re ithothore Setswana sa rona ntswa re tshela mo dipakeng tsa sesha. A re matlo a Setswana a tshwanetse go boela mo tirisong gore bana ba tle ba a itse le go lemoga boleng jwa one. Kgosi Mosielele a re banni ba motse wa Artesia ba supile se Botswana e leng sone mme a akgola ba mokgatlho wa 09&2010 burial society ba ba agileng ntlo eo ya ngwao. A re ba Brand Botswana ba tshwanetse ba ka bo ba le teng ka jaana Setswana e le sone se dirang Botswana gore a nne se a leng sone. Mme Stompie Gouwe yo e leng modulasetilo wa mokgatlho o o agileng ntlo eo ya Setswana, a re moono wa bone ke go rurifatsa gore bana ba nna le thuto ya ngwao ya Setswana. A re ba ne ba dira jaana go tshegetsa letshego la Tebelopele ya 2016 le le reng “tshaba e e rutegileng e bile e na le kitso”, a tlatsa ka gore bana ga ba dire sentle mo dithutong tsa bone le mo go sone Setswana tota a re seo se tlaa ba thusa go ya pele. arts_culture_entertainment_and_media 0 Letsema le thata ka mong a lone Mothusa tona wa lephata la papadi le madirelo, Rre Keletso Rakhudu o supile fa puso e dirile maiteko a le mmalwa go nyeletsa lehuma mo Batswaneng ka mananeo a a farologanyeng. Ka jalo a re go mo maruding a bone go dirisa sebaka se ka maikarabelo go tokafatsa matshelo a bone. Rre Rakhudu o buile se fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Khudumelapye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng bosheng. O supile fa puso e tla dira gotlhe mo e ka go kgonang go rotloetsa Batswana go dirisa mananeo mme a re fela ke maitlamo le maikarabelo a Batswana go dirisa sebaka se. O supile fa lenaneo la nyeletso lehuma le tlhametswe Batswana go itirela ka diatla tsa bone eseng fela go baya mokgweleo otlhe mo pusong.A re mananeo a nyeletso lehuma a mantsi mme go supagetse fa bangwe a ba tswela mosola. Rre Rakhudu o boletse fa mananeo a, a tla tswelela a ntsha maduo fela mo go ba ba tlhaga ebile ba na le tumelo ya gore ba ka inoga mo lehumeng fa ba ka itirela ka diatla. O kopile Batswana go ema ka dinao go dira ka natla go itlhotlhora lehuma. Rre Rakhudu o supile fa ba tsweletse ka go fa Batswana kitso ka go ba rutuntsha ka mananeo pele ga baa neelwa go simolodisa kgwebo. O ne gape a kopa banana go itlhamela dikoporase tsa kgwebo go fokotsa letlhoko la ditiro le le ba apereng. A re go tlhokafala maloko a le lesome le go feta gore go kwadisiwe mokgatlho,a supa fa ba lephata la papadi le madirelo ba isa banana kwa dithutong go ba ruta ka tsamaiso ya dikoporase. Fa ba a kgwa mothusa tona dikgaba, banni ba motse oo,mo go bone gole Tlhabologo Ramarotse ba supile fa ba tlhaloganya maiteko a puso a go ba inola mo lehumeng e bile ba dira maiteko a go tsaya mananeo ao,mme sebe sa phiri e le gore go tsaya nako gore ba tsisediwe didirisiwa fa ba sena go isiwa dithutong. Ba supile gape fa lenaneo la masingwana a merogo le lebanywe ke kgwetlho ya tlhaelo ya metsi. Fa a tsibogela dikakgelo tsa banni, Rre Rakhudu o ba kopile go tlhopha mananeo a mangwe jaaka go rua dihutshane ka go itshupagetse fa di dira botoka mo kgaolong ya bone le gone go dira ka bonatla le bopeletelele fa ba abetswe mananeo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Legal Aid e bula ofisi kwa Tsabong Batswana mo kgaolong ya Kgalagadi ba rotloedtswe go dirisa ofisi ya Legal Aid Botswana (LAB) e e butsweng kwa Tsabong bosheng. Mafoko a a builwe ke mogolwane go tswa mo lekalaneng leo, Rre Oduetse Lanngwane, mo phuthegong ya kgotla ka Mosupologo. Maikaelelo e ne e le go tlhalosetsa setshaba ka lekalana leo. Rre Lanngwane a re Legal Aid e thusa ka tsa semolao batho ba ba dikobo dikhutswane ba ba senang itsholelo ya go batla babueledi. A re dikgang tse lekalana le ka thusang mo go tsone di akaretsa tsa malwapa, tsa khiro, tsa lefatshe dikgang tsa pereko, ditumalano, dikgang tsa kgaogano ya dithoto tse di amang bana fa mongwe wa batsadi ba bone a tlhokafetse le tse dingwe. Mogolwane go tswa mo lekalaneng leo o supile fa gareng ga tse dingwe le thusa ka dikgakololo le go tshereganya mosekisi le mosekisiwa kwa makgotleng a ditsheko. Rre Lanngwane o ne a kaya fa e le boeteledipele ba lekalana leo ba ne ba bona go le botlhokwa go atametsa ditirelo tsa bone mo kgaolong eo bogolo ka bontsi jwa banni ba yone e le ba ba tlhokang. Fa a rola le go supa bodiredi semmuso ba ba tlaa thusang mo ofising eo, o kaile fa ba le bararo ka palo le gore ke bodiredi jwa tlhwatlhwa jo bo nang le boikarabelo, mme a kopa setshaba go ba amogela le go ba dirisa ka fa go tlhokafalang ka teng le gore ofisi ya bone e bapile e diofisi tsa ga molaodi. A re pele ga ba thusa motho ba tshwanelwa ke go mmotsolosa mo go tseneletseng le gone go tlhotlha dikgang tsa gagwe pele gore a ba ka mo thusa jang mabapi le kgang e a tlang ka yone le gone go kala bokete jwa yone. Rre Lanngwane o ne a supa fa bontsi jwa dikgang tse di gorogang kwa go bone mo lekalaneng leo e le tsa tlhalo gareng ga tse dingwe mme a kopa setshaba go dirisa ofisi eo ka fa go tlhokafalang ka teng ka mo nakong ya gompieno go se na dituelo dipe tse di lopiwang mo go bone. Le fa go ntse jalo mogolwane go tswa mo go ba LAB o ne a tlhalosetsa phuthego eo fa go na le dikgang dingwe tse lekalana leo le sa thuseng mo go tsone ka go emelwa ke diagente di tshwana le tsa borukutlhi, thubelo lolwapa, tsholofetso nyalo, tiga lebele, tlhagela, dikgang tse di kwa makgotleng a Setswana le tse dingwe. Go le pele fa a amogela baeng mo kgotleng kgolo ya Tsabong boemong jwa kgosi kgolo David Toto ll, kgosana Piet Kaatzee o ne a lebogela thata ba lekalana la LAB ka le tlaa solegela molemo thata batho ba kgaolo eo mo go tlhaloganyeng tsa semolao. society 9 Kerekang o akgola badirelapuso Molaodi wa kgaolo ya Kweneng, Mme Utlwanang Kerekang o akgoletse badirelapuso ba kgaolo potlana ya Letlhakeng maiteko a bone a go isa ditlamelo kwa metseng. E rile a bua kwa bokhutlong wa go isa ditlamelo kwa bathong mo go tsereng beke kwa Tsetseng ka Labotlhano, Mme Kerekang a tlhalosa fa badirela puso bao bane ba ititeile ka thupana le ntswa tiro eo ene ena le dikgwetlho tse dintsi ka ene ele la ntlha e dirwa. A re badiredi ba tshwana le bakgweetsi le bone ba tshwanetse go akgolwa ka jaana bane ba sa ipone tsapa ntswa kgaolo ya Letlhakeng ele bophara, selo se se neng se ba pateletsa gangwe le gape go ya go tshela leokwana bokgakala ja Molepolole. O ne a tlhaosa fa maiteko a go tshwana le a ka badirela puso a tshwanetse go lemogiwa. Mme Kerekang o ne a tlhalosetsa setshaba fa badirela puso ele bana ba bone e bile ba thapetswe go ba thusa, mme ka jalo aba kopa gore ba seka ba tshaba go ba gakolola fa ba lemoga fa basa dire dilo dingwe sentle. Thulaganyo eo ya go isa ditlamelo kwa bathong e simolotse ka Mosupologo mme ya goga beke yotlhe. Batho ba metse eo ka go farologana ba ne ba supa faba lebogetse maiteko ao. Rre Oakantse Mmolayapodi wa motse wa Kaudwane o ne a tlhalosa fa go dira jalo go ba thusitse fela thata ka jaana ba kgona go bona ditlamelo ka go farologana mo lefelong lele lengwe. A re motse o tshwana wa bone wa Kaudwane o na le letlhoko le lentsi la dipagamo se se dirang gore fa gongwe ba itsape go ya kwa diofising dikgolo kwa letlhakeng go kopa dithuso. Mme Mmammui Kelogetswe wa motse wa Salajwe le ene o ne a tlhalosa fa go dira jalo go ba thusitse ka jaana a re batho bangwe ba metse e kgakala le ditlamelo bana le go nna boi goya kwa diofising. Le fa go ntse jalo o ne a ngongoregela go tlhoka go nna teng ga maphata a tshwana le la metsi, a re mo moteng wa Salajwe bana le dikgang tse di tshwenyang tsa metsi. O ne gape a kopa gore mo nakong ee tlang thulaganyo eo e tshwarelwe mo motseng ole mongwe mo bekeng, go itsa gore badirela puso ba kgaupetse ditirelo pele ga nako ka jaana ba abo ba tabogetse go ya go baakanya kwa motseng oo latelang. Banni ba Tsetseng gaufi le Kang le bone bane ba akgola maiteko ao, bare ka jaana motse wa bone ele mongwe wa ee kgakala thata le Letllhakeng, ke bone ba ba babalelwang go feta batho botlhe. Bane ba kopa gore thulaganyo eo e nne e tsisiwa kwa motsemg wa bone kgapetsa-kgapetsa. Maphata ka go farologana a ne a tsere karolo mo tirong eo, mme dingwe tsa ditirelo tse di neng di fiwa ke tsa go rekisa dijo tsa dikgomo le melemo ya tsone, go rekisa ditlhatshana, go kwadisa baba tlhokang ditiro le bo omang ga mmogo le go thusa go rarabolola dikgang tsa selegae ke ba ofisi ya ga molaodi. Thulaganyo eo ene e isitswe kwa metseng ya Diphuduhudu, Kaudwane, Salajwe, Tsetseng le Khekhenye. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Speel nog e abela bagodi le bana-le-bogole Erile bosheng setlhopa sa mmino wa Polka sa Bokspits se se itsegeng ka leina la Speel nog sa rulaganya moletlo wa dijo o ba neng ba abela bagodi le banalebogole dimpho. E re ka mogologolo a rile tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng, moeteledipele wa setlhopa se mme Lys Van staden a re setlhopa sa gagwe se gwetlhwile go dira tiro e ke mowa wa kutlwelobotlhoko wa ga Tautona wa go abela ba ba tlhokileng lesego le bagodi. O kaile gape fa ba ne ba bona ba tshwanelwa ke go dira moletlo o gore ba supegetse bagodi gore ba lebogela kitso ya mmino wa Polka e ba e ba anyisitseng,a re ke ka thuso ya bone e ba kgonneng go tuma mo lefatsheng le ngwao ya bone ya itsege. Godimo ga moo Van staden o supile fa ba santse ba tlhoka dithuto go tswa mo bagolong bogolo jang ka mebino e mengwe ya ngwao ya Secoloured ebong blooze,point,los step,four steps,lang arem,stap le waltz. A re gape gape maikaelelo a mangwe a moletlo o e ne e le go supegetsa banalebogole lorato le gore ke karolo ya morafe wa bone ebile ba fa ba leng teng ka dithapelo,dikgakololo le lorato lwa bone. Mme Van staden o tlhalositse fa ba ne ba dirisa madi a ba a gapileng ka dikgaisano tsa ga tautona tsa mmino,bodiragatsi le moopelo go reka dimpho le dijo tse di lopileng P5000.00. Mongwe le mongwe wa bagodi le banalebogole o ne a fiwa dijana tse di jelang. Rre Andries Lehume,mongwe wa bagodi ba ba abetsweng dimpho o ne a leboga setlhopa sa Speel nog ka dimpho tse ba di ba abetseng, a re ga nkitla ba lebala tiro e ntle e ba e dirileng e e supang fa ba kgathala ebile ba lemoga bolengteng le mosola wa banalebogole le bagolo mo motseng wa bone . O ne a eleletsa setlhopa sa speel nog go gola le go fenya mo dikgaisanong.Lehume o ne a tswelela a gakolola setlhopa se go bina mmino wa Polka jaaka ba o rutilwe ke borramogolo ba bone, a kaya fa se se ka tshegetsa ngwao le ditso tsa bone gore di seka tsa nyelela. O ne gape a ba kopa gore le fa diemo di ka nna jang ba seka ba letlelela gore di ba kgaoganye, a tlhalosa fa kopano ele maatla. Mohumagadi wa Kgosi ya Bokspits mme Annah Esterhuizen yo eleng mongwe wa ba ba simolodisitseng setlhopa sa speel nog ka ngwaga 2010 a simologa,o ne a tlhalosa leina la setlhopa se le le biditsweng ka puo ya Afrikaans le reela gore letsa gape. Mme Esterhuizen a re leina le o le tshwantsanya le go dira le go leka gape,ka jalo o gakolotse setlhaopa se go tswelela se dira maiteko a go supa mowa wa kutlwelobotlhoko gape se tswelele se iteke mo dikgaisanong tse eleng gore fa se sale se di tsenelela se tsere maemo a bone fa ba simolola go tsweng foo ba ne ba tsaya maemo a boraro makgetho a le mararo. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 ‘Dibelang serodumo sa bogosi’ Dikgang tsa go lwela bogosi di a tshwenya, ka jalo go botlhokwa gore dikgosi le merafe di supe ba ba tshwanetsweng ke bogosi ka nako gore ba ba ngongoregang ba itshupe. Mo potsolotsong bosheng, kgosi e e tlogetseng tiro ka bogodi, Rre Lefatho Lesenyamotse wa Makwate mo kgaolong-potlana ya Mahalapye,a re o lemogile gore fa esale tiro ya bogosi e simolola go atswiwa ka madi,go tsogile dikgotlhang mo metseng ka go farologana. A re bontsi jwa nako dikgogakgogano di tsoga fa kgosi yo o ntseng a eteletse pele a sena go tlhokafala kana a tlogela tiro ka mabaka a bogodi. E re go ntse jalo batho bangwe ba ipatle mo maemong a go nna jalo,mme ba tla ka mowa o sele o e seng wa go aga le go etelela setshaba pele. O kgothaditse dikgosi go bitsa diphuthego go buisana ka tsamaiso ya bogosi go fedisa seemo sa go bona bangwe ba tsosa dikgotlhang moragonyana kgosi e sena go tlogela tiro ka bogodi. A re kgosi ga se motho fela yo o ka tsewang motlhofo mme e tshwanetse ya nna motho yo o tlotlwang ke setshaba sa gagwe a na le seriti sa boeteledipele e bile a tshwara morafe ka tekatekano. Rre Lesenyamotse a re kgosi o tshwanetse go tshwara ditsheko kana go tshereganya dikgang tsa morafe a sa tseye letlhakore lepe,gape a dira ditiro tse di eletsegang mo setshabeng. E re ka Setswana se re kgosi thotobolo o olela matlakala ka jalo kgosi o tshwanetse go itsaya sentle mo setshabeng e bile a amogela batho botlhe ka tekatekano. “Motho yo kgosi ke motho yo o bopaganyang setshaba e bile a dira ditiro tse di tlhabololang morafe ga mmogo le motse wa gagwe”,a tlhalosa. Le fa go ntse jalo,a re batho ba ba lwelang bogosi ke batho ba ba eletsang go bo diga seriti ga mmogo le boleng jwa jone mo Botswana. Rre Lesenyamotse a re dikgang tsa bogosi di tsweletse ka go runya lefatshe ka bophara,a tlatsa ka gore nako e tsile ya gore dikgosi le merafe di fedise tlhakatlhakano go netefatsa gore bogosi bo nna le serodumo se se bo tshwanetseng. BOPA politics 7 Kereke ya Methodist e otlolola letsogo Mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile, a re kereke e botlhokwa thata mo matshelong a batho ka e thusa lefatshe ka merapelo mme go nne le kagiso. Rre Kesupile o buile jalo bosheng kwa Kanye kwa tirong ya go abela motlhoki ntlo ya dikamore tse tharo e a e agetsweng ke ba kereke ya Methodist, e e tlwaelesegileng ka leina la Wesele, e le ba Kanye Society. Mopalamente Kesupile a re mafatshe a a sa dumeleng mo ditirong tsa sekeresete ga a itirele sentle ka gore fa sekeresete se renang teng go nna le thokgamo. A re lefatshe leno le fa le leng teng ka ntlha ya kereke; a bua jalo a kgothatsa balatedi ba dikereke ka kakaretso go tshwara ka natla mo tumelong ya bone. A re fa go nang le thapelo teng go rena kagiso mme ditlhabololo di bonale. O akgoletse kereke eo tiro e ba e dirileng ya go gopola ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng ka go ba thusa, bogolo jang ka bonno ka ele jone seriti sa motho. A re Mme Ntebang Masunye, yo o neng a abelwa ntlo, o tla kgona gore le ene botshelo jwa gagwe bo fetoge, ka go ipona a nna sentle le bana ba gagwe ka tshosologo Rre Kesupile o kopile Mme Masunye le ba lelwapa la gagwe go amogela ntlo eo ka lorato le go e tlhokomela ka tsela tsotlhe, fela jaaka ba e agetswe ka lorato le bopelotlhomogi ke bakeresete bao ba Modimo. O ne a kopa baphuthegi ba kereke eo go tlotla seaparo sa kereke ka ele sone letshwao la bone, a ntse a leboga le khwaere ya banana ba kereke eo, e a e abetseng madi a a kana ka P1000.00 e le go ba rotloetsa mo ditirelong tsa kereke. Mokgatlho wa makau wa kereke eo o ne wa abela Mme Masunye dijo; melora; seshabo; dinotsididi le tse dingwe; fa ba kgaolo eo bone ba rekile diaparo tsa bana. E ntse ele ba mokgatlho wa makau ba ne ba isetsa Rre Thatayaone Thebe merapelo yo eleng mokaulengwe wa bone mme le ene ba mo abela dijo, melora le tse dingwe. E rile a ntsha tekodiso, modula setilo wa Borre mo Kanye, Rre Tshepho Wakgotla, a tlhalosa fa ba agile ntlo eo ka boithaopo ele Borre ba kereke eo mo Kanye, o boletse fa ba ne ba ipeela seelo sa madi mme ba kgona go reka didirisiwa le go aga ka diatla tsa bone. Rre Wakgotla a re ba dirile se ele go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba la tshaba e e kutlwelobotlhoko ebile e kgathala. Fa a bua mo boemong jwa ba lelwapa, Rre Goemeone Ramakolokote, a tlhalosa fa ba lebogetse ntlo le dimpho tseo fela thata. A re ba lebogetse kereke eo lorato lwa go tlhomogela kgaitsadie pelo ka go mo direla bonno; a re modimo o tla ba segofatsa ka jaana go aba ele lesego, a tshepisa thata fa ba tla tlhokomela ntlo eo. Bokhutlo religion_and_belief 8 Neelano mo loratong konokono Kgosi Mark Thipe wa kgotla ya Distance mo Selebi Phikwe o kopile baratani go nna le neelano le kutlwisisano. Kgosi Thipe o ne a bua jalo fa a ne a amogela baeteledipele ba toropo ya Selebi Phikwe le bakapelo ba ba neng ba tsene moletlo wa go ipelela letsatsi la baratani mo Selebi Phikwe. Kgosi Thipe o ne a supa fa setshaba se sa tshwanela go itebatsa masula a dipolao tse di neng tsa diragala 2017 a ya bokhutlong mme go supa fa seo se ntse se tsweletse. Kgosi Thipe o ne a supa fa ba tshwentswe ke dipola tse go tweng ke tsa baratani tse di diragalang mo Selebi Phikwe mme a kopa bagogi ba toropo go ema ka dinao go thusana le magosi ka ba ka seke ba kgone ba le nosi. Kgosi Thipe o ne a kopa bakapelo ba ba neng ba tsene bokopano joo go fetola maitshwaro a bone go itsa dikgogakgogano tse di felelang di baka gore motho a fedise botshelo jwa yo o tshelang nae. Kgosi Thipe o ne a supa fa lorato lo tlhoka therisano, tlotlo, kutlwisisano le neelano, a re seo ke sone se se ka fedisang dikgotlhang tse o fitlhelang di le teng mo malwapeng. Kgosi Thipe o ne gape a supa gore bana ke batho ba ba kelo tlhoko, ka jalo batsadi ga ba a tshwanela go nna ba lwa, kana ba kgobana ka mafoko fa pele ga bone ka seo se ka dira gore ditlhaloganyo tsa bone di kgotlelesege mme ba tsoge ba kgokgontsha ba ba tshelang nabo. Kgosi Thipe a re batsadi ba tshwanetse go nna sekao mo matshelong a bana ka dinako tsotlhe ka se se ka ba bopa go nna borre le bomme ba ba nang le boikarabelo. E rile a tlhalosa maikaelelo a letsatsi, Rre Shatiso Daki yo e leng molomaganyi wa tsa merero ya mogare wa HIV/AIDS mo Selebi Phikwe, a supa fa se e le go rotloetsa bakapelo go itlhatlhoba mmogo ka nako e le nngwe gore ba kgone go amogelana. Rre Daki a re se se dira gore fa mokapelo yo mongwe a tshwerwe ka mogare mmati wa gagwe a kgone go mo ema nokeng ka dikgakololo go tlhomamisa gore o tsaya ditaelo tsa bongaka ka fa go tshwanetseng. Rre Daki a re e le ba botsogo ba rotloetsa bakapelo ba ba tshwerweng ka mogare go iphapha mo go nneng le bakapelo ba le bantsi go itsa kanamo ya mogare. Ba ba senang mogare le bone ba tshwanetse go itlhokomela go itsa go tsenwa ke mogare. Kwa bofelong Rre Mompati Masilo yo o setseng a na le dingwaga di le masome a mararo a ntse a le mo nyalong o ne a supa fa lorato lo tlhoka boitshoko le bopelotelele ka motho mongwe le mongwe a na le dikakanyo le dikeletso tsa gagwe. Rre Masilo o ne a rotloetsa bakapelo go ikaega ka Modimo gore manyalo kana lorato lwa bone lo tshwaragane go ya pele. crime_law_and_justice 1 Ba Papatlo ba lela ka metsi Banni ba Ramatlabama le Papatlo mo kgaolong ya Borolong ba ikuetse mo go mopalamente wa kgaolo ya bone, Rre Kitso Mokaila ka matshwanyego a ba kopanang le one mo metseng ya bone ka go farologana mo diphutegong tsa kgotla tse a neng a di buisa mo kgaolong. E rile a amogela baeng, Kgosi Alex Leshomo wa Papatlo a re ba lela ka letlhoko la metsi. O buile jalo a ngongoregala ba lephata la metsi a tlhalosa gore lephata leo le na le go kgoala metsi ka sebaka ba sa ba itsise. Kgosi Letshomo o tsweletse a re letlhoko la metsi mo kgaolong ya bone le dira gore batlhokomedi ba balwetsi mo malapeng ba ketehalelwe ke tiro ya bone ka gore bontsi ja balwetsi ke bana-le-bogwele ba ba sa kgoneng le go ikisa ko mantlwaneng a boitiketso. O buile gape gore letlhoko la metsi ke kgwetlho e tona fela thata a tlatsa ka gore gona le letlhoko gape le le kwa godimo la go okelediwa kokelo le koloi ya bone jalo a kopa puso gore e ba sekegele tsebe mo letlhokong leo ka gore kokelo eo e na le mooki a le mongwe yo go le gantsi balwetsi ka nnang sebaka se se leele ba emetse thuso. Kgosi Leshomo o tlholositse gape ka gore motse o kgakala le ditlamelo se se dira gore borukutlhi bo golele pele ka go thubiwa ga mantlo le marekisetso, o buile gore ka ba le kgakala le ba sepodise ba tsaya lobaka go tla go ba thusa dilalome tseo. Le fa go ntse jalo, Kgosi Letshomo o lebogetse mananeo a puso ka go farologana a tlhalosa fa a itumeletse go bonala ga mopalamete ka a itse fa a tla reetsa matshwenyego a bone ka keletlhoko mme go tsewe kgato. Baagi ba motse wa Papatlo le Ramatlabama ba tlhalositse fa ba ngongoregela boroko jwa badirela puso le letlhoko la matlo a borutelo ba tlholositse fa se e le selelelo sa ngwaga le ngwaga ka jalo se se ketafalela barutabana ka go sena ko ba ka rutelang bana teng go le gantsi ba kgobakana mo tlong e le mongwe. Tona wa kgothetso Moepo le Metsi Rre Mokaila e rile a buisa phutego o boletse gore ntswa le fa ntse ka sebaka a sa bonale mo motseng o, o ntse a itebagantse le mananeo a mangwe a e leng a go leka go tlhobolola motse wa Papatlo go leka go tokafatsa seemo sa metsi. Tona Rre Mokaila o arabile mangwe a matshwenyego a bone ka gore puso e santse a tlhaela ka madi ka jalo e tlaa dira gotlhe mo e ka go kgonang go fokotsa letlhoko la metsi. O buile gore metsi a tlhaela ka go sena pula mme didiba le tsone di kgadile o tlhalositse gore gona le mananeo a a dirwang ke puso go fedisa letlhoko la mesti mo kgaolong. Rre Mokaila o rotloeditswe morafe eo gore ba ye go ikwadisetse ditlhopho o buile gore go tlhopha go botlhokwa fela thata Motswana o tshwanetse go tsaya boikarabelo mo pusong ya batho ka batho ka go tlaabo go bulelewa gape ka kgwedi ya Motsheganong a le gangwe a tlatsa ka gore ba se ithontshe ditshwanelo tsa bone. Bokhutlo society 9 Ba ba tlolang molao wa tsela ba a tshwenya Batho ba ba kgweetsang dikoloi ba sena ditlankana tsa go kgweetsa ba gakolotswe ba bo ba kopiwa go emisa go dira jalo ka e le molato e bile go ka ba tsenya mo diphatseng tsa go amega mo dikotsing tsa tsela. Mo puisanong bosheng, mookamela mapodise a Middlepits Superintendent Moses Chibamo o boletse fa go kgweetsa motho a sena setlankana go le borai ka motho oa bo a sa tsenelela dithuto dipe le gone go rutuntshiwa ka go kgweetsa gotlhelele. Superintendent Chibamo o tsweletse ka go tlhalosa fa ba setse ba ipaakanyeditse malatsi a keresemose le ngwaga o mosha ka go dira dikganedi tsa tsela mo kgaolong eo go simolola kgwedi eno e rogwa go fitlha kgwedi e e tlang ya Sedimonthole e ya fifing. Mookamela mapodise o kaile fa batho ba le bantsi mo kgaolong eo ba tlwaetse go kgweetsa ba sena ditlankana. O gakolotse ba ba dirang jalo gore go botlhokwa gore ba tseye ditlankana tsa go kgweetsa pele ga ba ka kgweetsa. O kaile gore mo nakong eno ba setse ba tshwere batho ba le lesome go akaretsa go tsamaya ka dikoloi tse di sa itekanelang, go kgweetsa ba nole bojalwa gammogo le go tlhoka go dirisa mabante a itshireletso. O gakolotse bakgweetsi le setshaba ka kakaretso go ikgapha mo go amegeng mo dikotsing tsa tsela mo malatsing a a tlang a boitapoloso ka go tlhomamisa gore ba obamela molao wa tsela ka dinako tsotlhe. Mo go tse dingwe, o kaile fa ba dirisana sentle le ba bogosi, komiti ya ditlhabololo tsa motse oo le ba cluster ka ba tshwaragane le bone mo go tlhomamiseng gore ga go nne le borukutlhi bope mo motseng oo le e e mabapi. E re ka jaana metse eo e le gaufi le terata ya molelwane wa Aferika Borwa, Superintendent Chibamo o kaile fa ba dikologa molelwane oo kgapetsa kgapetsa ba tshwaragane le ba sesole, ba lephata la mesepele le pereko la ba sepodise sa Aferika Borwa go tlhomamisa gore leruo ga le tlodisiwe ebile batho ga ba tlole ba sena diteseletso. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Khawa Dune Challenge e nosa banni moro Morafe wa Khawa o kopilwe go tlhokomela ditotoma tsa mmu mo motseng wa bone ka nako tsotlhe, ka seo se ka ba solegela molemo mo go o tlhabololeng. Mafoko ao, a builwe ke kgosi ya Khawa, Kgosi Piet Monyoro mo puisanong kwa moletlong wa Khawa Dune Challenge bosheng. Kgosi Manyoro o tlhalositse gore pele ga moletlo oo, go ne go sena modirela puso ope yo o neng a kgatlhegela go ya go berekela kwa Khawa ka a le kwa thoko e bile a le kgakala le ditlamelo. O kaile fa serodumo sa motse o mo nakong ya gompieno se le kwa godimo thata ka lebaka la ditotoma tsa mmu tse di o kgabisitseng. O supile fa e sale go simologa ka ngwaga wa 2011 moletlo oo o simologa, ba bone diphetogo tse dintsi mo motseng wa bone ka ba kgonnne go dira madi ka go hirisetsa bajanala le bangwe matlo a VDC a boroko. Kgosi Manyoro a re monongwaga ba dirile P20 000 kwa mafelong a boroko, fa ka go aba metlaagana gone ba dirile P11 000. Kgosi Manyoro o supile fa gape moletlo oo o thusa morafe wa Khawa le bagwebi ba bangwe ba ba tswang kwa ntle ka ba nna le sebaka sa go rekisetsa batsena moletlo dijo le tse dingwe. A re moletlo o gape o thusitse go tswakanya itsholelo ya lefatshe leno ka pele le ne le ikaegile fela ka diphologolo le dikgwa. Kgosi o tladitse gape ka go leboga puso ka mananeo a nyeletso lehuma a tshwana le LIMID le a mangwe ka a tlhaosa fa a fetotse matshelo a batho ba koo ba bontsi jwa bone e leng batlhoki. Mongwe wa bagwebi ba ba neng ba iteka lesego ka go rekisa dijo kwa moletlong oo Mme Mmapula Vlarmeis o tlhalositse fa a bone dipoelo tse di nametsang thata ka e bile e le la ntlha, a kaya fa ba atlegile ka lebaka la gore lefelo le metlaagana e neng e beilwe mo go lone le ne le le gaufi le bontsi jwa batho. Fa a iteela mafoko a ga kgosi kobo moroko, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Khawa Rre Hans Rooi o kaile fa moletlo wa Khawa Dune Challenge o tlotlomaditse motse wa bone ka mo nakong eno motse wa bone o tshologelwa ke merafe e e farologaneng ka diteme le ngwao. Rre Rooi o supile fa kgaolo ya Kgalagadi e tumile thata ka mmino wa Polka. A re le bone mme mo nakong ya gompieno ba setse ba simolotse go ithuta mmino ya dikgaolo tse dingwe, selo se a reng se botlhokwa ka se supa tshwaragano mo lefatsheng leno. O lebogile ba lephata la bodiragatsi le ngwao, ba Tourism Organisation le maphata a puso a a farologaneng ba ba dirileng go le gontsi go nna le seabe mo katlegong ya moletlo wa Khawa Dune Challenge. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Modulasetilo o tsibosa banni ka metsi E rile ka Laboraro mo mosong ya nna tshwarangtshwarang kwa merakeng le masimo a Zoroga fa ba tlhaselwa ke metsi a a neng a elela le naga ba sa itse kwa a tswang teng. Modulasetilo wa Red Cross kwa Zoroga, Rre Kesetselemang Thanke o boletse mo potsolotsong gore o tlhagisitswe ka metsi ao mme ba seka ba dia sebaka ene le dikgosi tsa motse ba kopane le ba Nata go ya go namola batho bao. O tlhalositse fa metsi ao ne a tla ka bontsi e bile a le bophara. A re ka jalo o tlhagisa banni ba metse e e bapileng le Zoroga ya Tsokatshaa le Gweta go nna podimatseba ka dinako tsotlhe ka go lebega a tlaa fetela kwa go bone. Rre Thanke a re kgwetlho e ba kopaneng le yone ke ya banni bangwe ba mo masimong le mo merakeng ba ba ganang go fudusediwa kwa metsi a sa feteng teng. A re ba tlhalosa fa matshelo a bone a le mo merakeng, ka jalo ba ka se phuaganye fela jalo motlhofo. “Metsi a, a tla fela a lebagane le Zoroga, go thusegile fela ka gore ga a kgone go tlola tsela, ka jalo a bapisitse yone tsela e e yang ntlheng ya Tsokatshaa le Gweta,” ga tlhalosa Rre Thanke. A re o gakolola bakgweetsi go kgweeetsa ka kelotlhoko gobane metsi a setse a tsene mo tseleng. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Mabolwe o ikaegile ka mananeo Kgosi ya Mabolwe mo kgaolong potlana ya Bobirwa o galaleditse mananeo a puso, a re a dirile pharologanyo mo matshelong a batho ba motse wa gagwe. Kgosi Join Ngala o ne a bua mo potsolotsong bosheng. A re fa batho ba ka ikanya mananeo a, ba ka tshela. Kgosi o ne a tlhalosa fa mananeo a tshwana le la Tirelo Setshaba, Ipelegeng, temo ya merogo le thuo ya dihutshane e le mangwe a banni ba a akolang. A re lenaneo la Tirelo Setshaba ke lengwe le le tsibogetsweng ka dipalo tse di kwa godimo, mme a tlhalosa fa le tsisitse diphetogo tse di tona mo bananeng ba motse wa Mabolwe ka le kgonne go ba ntsha mo mekgwatheng. Kgosi Ngala o tlhalositse gape fa lenaneo le, le neetse banana seriti ka ba kgona gore ba itshetse ka dituelo tse ba di bonang. A re fa e sale lenaneo le le goroga, ba setse ba bone ditlhabololo mo kokelwaneng, sekole se sebotlana le kwa kgotleng ka jaana ba ba thapilweng ba thusa thata go fefosa ditirelo. Kgosi o tlhalositse fa gangwe le gape a gakolola morafe go inaakanya le mananeo ka go farologana ga one. O kaile fa mananeo a tshwana le la thuo ya dihutshane a le bogadi bo gaufi mme a ka thusa gore kgabagare ba kgone go tokafatsa matshelo a bone ga mmogo le go tlhamela ba bangwe mebereko. Le fa go ntse jalo, kgosi o boletse fa mananeo a tshwana le a thuo ya dihutshane le la temo ya merogo a sa dire mo go kgotsofatsang ka go bo go sena mokenti le molemisi mo motseng. A re go latela bodiredi jo kwa Semolale go felela go baka gore ba ba nang le keletso ya go kopa mananeo ba felele ba kgobega marapo ka ntata ya letlhoko la madi a go palama dipalamo tsa setshaba go ya go kopa dithuso. economy_business_and_finance 3 Basebi o bone botshelo mo tshugong Seane se se reng maano a botshelo ga a site, go sita a loso, ke seane se Rre Matlhomola Basebi wa masimo a Thune kwa Bobonong, a ikaegileng ka sone mo botshelong. Se, Rre Basebi o se dira ka go reka matlalo a dikgomo tse di bolawang mo dintshong le mo medirong go a suga a bo a dira dikgole. Rre Basebi, yo o dingwaga di masome marataro, o tlhaloseditse BOPA fa go suga dikgole e le boitseanape jo Batswana ba neng ba ipela ka jone mme mo nakong ya gompieno bo nyelela ka bontsi jwa ba ba neng ba itse go suga dikgole ba sa tlhole ba le mo botshelong kgotsa ba latlhegetswe ke kgatlhego ya go dira jalo. Rre Basebi a re dikgole tsa gagwe o di rekisa ka madi, dipodi, dikoko le tse dingwe. A re o dira jaana gore bareki e seka ya nna ba ba nang le madi fela. O boletse fa bontsi jwa batho ba ba rekang dikgole tsa gagwe e le ba ba nnang mo tikologong ya gagwe, mme ba di dirisa mo temong le mo diruiweng, segolo jang ba ba santseng ba tshela botshelo jwa Setswana. A re bontsi jwa leruo la gagwe o le bone ka go rekisa dikgole e bile a a tle a rekise go itshetsa. O tlhalositse fa tirisano mmogo ya gagwe le bareki e le e e kgatlhisang ka ba kgona go beeletsa dikgole di ise di dirwe e bile ba nna ba mo duela ntle le dikgogakgogano fa ba ne ba kolotile. Rre Basebi o kgothaditse Batswana gore ba seka ba ikaega ka puso fa ba na le botlhoki, segolo jang ba ba nang le go ka itirela ka diatla. A re go na le batho ba le bantsi jaaka ba-na-le bogole le bagodi ba ba tlhokang dithuso tsa puso go gaisa. O boletse fa mowa wa go ipelega o o kileng wa bo o rena mo Batswaneng o tshwanetse go tsosolosiwa gore le mananeo a puso e a neelang batho go inamola lehuma a kgone go atlega. BOPA economy_business_and_finance 3 Tlhabololo monana boikarabelo jwa botlhe Mothusa tona wa lephata la Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao, Rre Dikgang Makgalemele, a re go tlhabolola monana ka tshwaragano ya ba-na-le seabe ke kgang ee bonolo. E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Thamaga, Rre Makgalemele a supa fa tshwaragano e ka thusa go rarabolola mathata a letlhoko la ditiro. O rotloeditse bogogi jwa motse le ba ba tlogetseng tiro ka bogodi go thulanya ditlhogo go tswa ka tharabololo ya go tlhabolola matshelo a banana . “A re diriseng dikitso tse renang le tsone re le morafe wa ga Thamaga, go tlhabolola seemo sa matshelo a banana ba rona,” Rre Makgalemele a tlhalosa. O ne a nankola botlhokwa jwa go dira dikoporase ka dikitso tse banana ba nanang natso, gore ba kgone go akola mananeo a puso. A re mo mabakeng a mantsi, banana bangwe ba iphitlhela ba gateletswe ke diemo tse di bokete, di akaretsa borukutlhi, tiriso diritibatsi le seemo sa bogole, ka jalo go tlhoka kemo nokeng le bogakolodi go thusa go ba inola mo dikgwetlhong tse. Rre Makgalemele o rotloeditse banana gore ba seka ba ipona tsapa, ka mananeo otlhe a leng teng a ba akaretsa. O supile fa leeto la gagwe le gwetlhilwe ke mokhanselara wa kgaolo ya Thamaga Bokone, Rre Paalelo Motaosane, ka matshwenyego a letlhoko la ditiro. Mangwe a matshwenyego a banana e nnile dikgang tsa go abiwa ga dithendara ka tshokamo. E rile a tsibogela kgang ya go abiwa ka tshokamo ga dithendara, Rre Makgalemele a solofetsa fa ba tshwaragane le go tswa ka tharabololo go netefatsa gore tsamaiso e salwa morago. O gakolotse le go rotloetsa banana go dira tse di tlhokwang ke tsamaiso ya ikopelo ditiro, mme ba seka ba solofela go mpampediwa. Mothusa tona o lekodisitse banni ba Thamaga fa puso e na le thulaganyo e haphegileng mo go abiweng ga ditiro la mananeo a seegetsweng fa thoko go thusa banana. Rre Makgalemele o ne a ya go bontshiwa tiro ya kago ya matlwana a boithomelo kwa lebaleng la metshameko, le eleng bontlha bongwe jwa ditirelo tsa lephata la gagwe. Matlwana a, a emisitswe ke P2 000 yo rakonteraka le khansele ya Mogoditshane /Thamaga di sa dumalaneng ka ene mo lebakeng la dingwageng tse tharo. Mogolaganya ditirelo tsa lephata kwa kgaolong ya Kweneng, Rre Moeti Godisamang, o solofeditse go tsibogela dikgang tsa bodiragatsi le metshameko tse go kaegang di sa itumedise badiragatsi ba motse oo le dituelo tsa dikgaisanyo tse di kgoreletswang ke tlhaelo ya madi. Kgosi Segale Thobega o ne a kopa lephata leo, go ema merafe nokeng ka dithuso tsa madi, go rotloetsa kgolo le tshomarelo ya ngwao. Lefa go ntse jalo, Kgosi Segale o ne a supa gore e re lefa ba ne ba goga bokete go rulaganyetsa tiro ya ngwao mo dingwageng tse tharo tse di fetileng, seo ga se aka sa ba kgoba marapo go tswelela le thulaganyo ya bone ya ngwaga le ngwaga. health 6 Ba Monarch ba lebogela Ipelegeng Modulasetilo wa komiti kgolo ya ditlhabololo tsa dikgaolwana tsa Monarch, Rre Eric Mabengane a re koketso ya dituelo tsa kgwedi le kgwedi tsa lenaneo la Ipelegeng ke selo se ba se amogela ka tsoo pedi. Rre Mabengane o buile jalo mo potsolotsong, a supa fa koketso e e tlaa tsholetsa boleng jwa lenaneo le jaaka mongwe motswedi o o dirang pharologanyo tebang le go fokotsa letlhoko la ditiro. O bile a tlhalosa fa koketso e ya dituelo e tlaa dira gore bontsi bo kgatlhegele lenaneo gape e tiise le bone badiri ba lone moko. Rre Mabengane a re ntswa bangwe ba galala dituelo tse ka mabaka a a farologaneng, se se itumedisang ke gore ba ba tlhaga mo go lone ba na le sengwe se ba ikaegileng ka sone go na le go leta go fepiwa. A re malapa a le mantsi a ikaegile ka lenaneo le. Rre Mabengane a re Monarch o kgaogantswe ka dikomiti tsa ditlhabololo tsa dikgaolwana di le thataro, ka jalo ka kgwedi ba thapa batho ba feta makgolo a le matlhano mo go tsone dikgaolwana tse. O bile a supa fa badiri ba lenaneo le ba setse ba simolotse go akola dituelo tse di sa tswang go okediwa. Badiri ba okeleditswe go tswa mo go P540 go ya kwa go P565. A re bagolwane bone ba okeleditswe go tswa kwa go P620 go ya kwa go P651. Go sale foo, Mme Bolokang Oarabile ke mongwe wa ba ba sa iponeng tsapa go tswelela ba ithusa ka lenaneo le,. A re e sale a simolola go direla Ipelegeng ka 2012 ka nako e dikatso e neng e le P320. Mme Oarabile a re le fa madi a ne a sa lekane dikeletso tsotlhe tsa gagwe ka nako e le nngwe, se se neng se mmaya pelo ke gore o na le fa a lebileng teng. A re ntswa gape ba tsena lenaneo le ka go sutelana ka jaana kgwedi e nngwe ga ba thapiwe go neela ba bangwe sebaka sa go tsena, seo ga a se galale. Gape a re kgwedi e a sa tsenang o inaakanya le go dira ditiro tsa nakwana a bo a tsweledise go rekisa dimonamone le tse dingwe mo gae. Mme Oarabile a re bontlha bongwe jwa dituelo o ne a bo boloka mme mo nakong eno o setse a ikagetse ntlo ya dikamore tse pedi gape o kgona go itlhokomela mo go nametsang. Mme a re se se botlhokwa ka madi le a ka tswa a le bonnye bo kae ke go nna le kelelelo ya go a dirisa. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Dikgosi di lela ka tshenyo ya dipompo Dikgosi tsa Robelela le Tshokwe mo kgaolong ya botlhophi ya Mmadinare, ba lela ka tshenyo ya dipompo tsa metsi. Dikgosi di tlhalositse fa go bereka pompo e le nngwe mo metseng eo ka go farologana mme seo se raya gore morafe o tsaya mosepele o mo leele go ya go ga metsi mme se se dire mosuke. Kgosi Phillip Tamocha wa Robelela o supile fa tshenyo e dirwa ke beng gae ka go supafetse le tsone diphaephe tse di phatlalatsang metsi mo motseng di thubiwa ka bomo ka mabaka a go nosa leruo. Kgosi Tamocha o ne a supa fa go thaisiwa ga leruo ka diwairi mo terateng e e kganelang motsamao wa leruo go le kwa godimo thata, mo leruo le felelang gone koo mme go santse go le thata go tshwara batho ba ba dirang jalo. Mopalamente Mzwinila o ne a tlhalosa fa lenaneo la Target 20 000 la go tsenya banana mo ithutuntshong ya go kgweetsa le ditiro tse dingwe tsa diatla, le ne la seka la kgona go fitllhelela banana ba ba kwa dikgaolong ka dikole tse di neng di ikopetse go ruta bana di ne di le kwa Maun, Francistown le Gaborone. O tlhalositse fa e tlaa re mo ngwageng ono, ikopelo ya go nna jalo e tlaa boelela gape mme tumalano e le gore dikole tse dingwe tsa dithuto tsa Target 20 000 di nne kwa Palapye le Selebi Phikwe mme a rotloetsa banana go nna ba tlhwaile tsebe. Mo go tse dingwe, mopalamente o ne a rotloetsa morafe go beeletsa ka go reka diabe pele go tswalwa kgwedi ya Mopitlo e tlhola malatsi a le mane mono ngwaga. Rre Mzwinila a re BTCL ke ya Batswana ka jalo ba tshwanetse go supa ka go reka diabe ka ditlhwatlhwa tsa tsone di santse di le kwa tlase gore Motswana mongwe le mongwe a nne le seabe mme e tlaa re morago di tsenngwe mo mmarakeng ka ditlhwatlhwa tse di okeditsweng. Kwa bofelong, mopalamente o ne a supa fa maduo a bana ba dikole a tsweletse ka go wela tlase,a re se se supa gore mongwe magareng ga batsadi, barutabana le moithuti a sa dire mo go lekaneng. society 9 Molaodi o kopa maphata go tsaya dikomiti tsia Molaodi wa kgaolo ya legare, Mme Thobo Mapitse o kopile baeteledipele ba maphata go tsaya tsia dikomiti jaaka ya ditlhabololo tsa kgaolo. Molaodi Mapitse o ntshitse boikuelo joo mo bokopanong jwa gagwe le baeteledipele ba maphata a a mo kgaolong potlana ya Tutume bosheng. A re ke gangwe le gape a kopana le dikgang tsa maphata mangwe a a sa nkeng a ntsha kana a isa dipego kwa dikomiting go supa ka fa ba tsweletseng ka teng mo maphateng a bone. O ne a tswelela a bolela fa dikomiti tseo di le mosola thata ka ke ka tsone ba ka kgonang go baakanya makoa a bone, ka jalo seo se thuse go dira ditiro tsa bone ka botswapelo le go isetsa batho ditirelo ka nako. Mme Mapitse o ne gape a ba kopa go bala le go tlhaloganya se maphata a bone a itebagantseng go se dira le go se fa setshaba. O ne a supa fa kgaolo e le kwa tlase fa e tshwantshwangwa le tse dingwe ka go thusa setshaba, a gatelela ka gore ke nako go itsosa go bona gore ba isa ditlamelo kwa bathong ka bofefo jo bo kgonagalang. Fa a tswa la gagwe, mokwaledi wa khansele ya legare, Rre Gaolathe Dipholo o ne a kgala ka tshenyetso setshaba bogolo jang mo go tsa dithendara. O ne a bolela fa dipampiri tsa batho ba ba gapileng thendara di tsena ka gare itse mo diofising mme o ne a kgala dilo tsa go nna jalo, a re e le baeteledipele ba maphata ba tshwanetse go nna le boikarabelo. Mokwaledi wa khansele o ile a tlhagisa ba ba okametseng maphata a ditiro tsa o ne di dirwang kwa ntle ga diofisi ba tshwana la ditsela, Ipelegeng le a mangwe, go tswa mo diofisi go ya go lebela le go tsamaisa tiro. Fa ba akgela, ba boletse fa bontsi jwa dikomiti go tshwanetse ga bega mogolwane wa lephata mme bone ba supa seo se ba ketefalela ka ba lebanwe gape ke tiro ya letsatsi letsatsi ya ofisi. BOKHUTLO politics 7 Batswana ba na le bokgoni Palo e ntsi ya Batswana e na le bokgoni jwa go itsamaisetsa dikgwebo. Se se tlhalositswe ke mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Bonnington borwa, Rre Ndaba Gaolathe mo thuto seka dipuisanyo ng ya bagwebi ba ba botlana mo kgaolong ya gagwe. Bontsi jwa bagwebi ba ba botlana ba, ba direla mo dimausung tse dinnye mo mekgwatheng ya toropokgolo Gaborone fa bangwe ba direla mo malwapeng, seemo se Rre Gaolathe a reng kwa bofelong se phutlhamisa madirelo a bone. Rre Gaolathe e ne e rile pele ga thuto sekadipuisano eo a kopana le bagwebi ba ba botlana, kwa Block 9 mo Gaborone go ba rotloetsa le go ba fa dithuto tsa kgwebo mahala ka setlhogo se se reng “Dilo tsotlhe di simologa di le dinnye, le semausu se ka nna Mokgankgara.” O ne a rotloetsa bagwebi bao, ba bontsi ja bone e neng e le banana go nna le tebelopele ka gore batho bontsi ba ba lereng diphetogo mo lefatsheng ba simolola ka go nna le tebelopele ya gore ba tlaa bo ba le kae mo nakong e e tlang. A re fa ba akanya ka kgwebo, ba tshwanetse ba ipotse gore tebelopele ya bone ke eng, ba ikaelela go rekisa jang, ba ithulaganya jang, le gore ba ikaelela go rulaganya dikgwebo tsa bone tse dipotlana jang. O ne a ba ruta mekgwa e e farologaneng ya go rekisa jaaka go baya ditlhwatlhwa, go ipapatsa, ditirelo le tse di rekiswang. Rre Gaolathe o rotloeditse bagwebi ba ba botlana go akanyetsa tse dikgolo ka go ikopanya ba bo ba ipaakanyetse go atolosa dikgwebo tsa bone tse di ka ba kgontshang kana tsa ba naya thata ya go bua ka tsa kgwebo botoka. A re kwa bofelong o eletsa go bona Batswana ka bontsi ba na le mabenkele a matona, a tlatsa ka gore seo se ka diragala fela fa ba reka dilwana tse ba di rekang di le dintsi ka nako e le nngwe, ba dira ka ditlhopha kana kopano epe fela go thusanya le go abalana dikitso. Rre Rapula Kegopilwe, wa moithaopi mo go tsa kgwebo o boletse gore go tlhokana le dikitso tse dintsi le thuto go kgona go fenya dikgwetlho tsa kgwebo. O ne a rotloetsa ba ba tseneng dithuto tseo gore ba itlwaetse go kwala sepe fela se ba se dirang gore ba itse gore go batlega eng mo mmarakeng. A re dilo tse di jaaka mafoko a a ipapatsang a a kgatlhang, a tlhalosa kgwebo le go dirisanya le ba bangwe e le setlhopha le dikoporase di ka isa bagwebi ba ba botlana kwa mankalengkaleng. Mongwe wa banni yo o boletseng fa a tshela ka go tsadisa le go rekisa dintsa a re mo nakong e telele o ne a hirisetsa dikompone tsa itshireletso dintsa mme a sa itse ka fa a ka bayang ditlhwatlwa tse di siameng ka teng. A re o ne a lemoga kwa morago ga dingwaga gore dintsa tsa gagwe tse a di hirisang ka P650 ka kgwedi, o ka bo a di kopetse madi a a fa godimo ka gore di duelwa go feta bone badisadikago. Monni yo mongwe gape, Mme Olebogeng Tsiako aka Enigma yo a itsegeng ka metlae o ne a ngongoregela gore Batswana ka bontsi ba sa ntse ba gopola gore metlae ke itloso bodutu ya mahala, a re mme ba tshwanetse go fetola go akanya jalo. A re Batswana ba ba gwebang ka metlae ba tshwaragane le bothata jwa batho ba ba dumelang gore metlae e tshwanetse ya bonwa mahala. Le fa go nose jalo, Rre Gaolathe o mo gakolotse go ikopanya le ba ba lebaneng gore ba kgone go bona mmaraka o ba ka gwebang mo go one, le go leka go itlhabolola gore a dire tiro ya gagwe botoka. BOKHUTLO. economy_business_and_finance 3 Ba Chanoga ba tsosolosa ngwao Matshwitshwiti a batho go tswa metseng e e farologanyeng ba ne ba tshologetse kwa Chanoga bosheng kwa ba neng ba ipelela le go ruta bana ka ngwao. Fa a bua kwa moletlong oo wa ngwao, mothusa modulasetilo wa khansele-potlana ya Maun, Rre Vepaune Moreti o supile fa go le botlhokwa go ruta bana ka ngwao ba sale babotlana. Rre Moreti a re fa bana ba itse le go tlhaloganya ngwao ya bone, ga go nne motlhofo gore ba kope dingwao tsa mafatshe a sele tse nako tse dingwe di sa siamang. A re bana ke bone fela ba ka dirang gore ngwao e seka ya nyelela ka e le bone baeteledipele ba kamoso ka jalo go ka nna motlhofo gore dikokomane di e fitlhele. “Fa bana ba tlhaloganya ngwao ya bone botoka ba ka nna motlotlo ka yone ka jalo ba fokotse go kopa dingwao tsa mafatshe a sele tse nako tse dingwe di gotlhagotlhanang le ngwao ya Setswana,” ga bua Rre Moreti. A re ngwao e botlhokwa thata ka ke yone e e tshwaraganyang merafe e e farologanyeng, o ne baya sekai la letsatsi leo la ngwao le le neng le kopantse batho ba merafe ya Baherero, Bayei le Bambukusu a re seo se dira gore ba seka ba lebela morafe ope kwa tlase. Le fa go ntse jalo, o ne akgola morafe wa Baherero a supa fa ba santse ba ngaparetse ngwao ya bone, a re ba setse ba apara kapari ya bone ya ngwao le go tshegetsa dijo tsa bone tsa ngwao jaaka nama le madila. Rre Moreti a re merafe e mengwe e tshwanetse ya lemoga fa ngwao e botlhokwa mme ka jalo ba tshwanetse ba e tshegetsa gore dikokomane di e fitlhele. A re go kwala ngwao go botlhokwa ka go ka dira gore ba mafatshe a sele ba tle ba bale le go itse ka ngwao ya Setswana selo se se ka rotloetsang gore amogele le go e akgola gone gore dikokomane batle bae fitlhele. Le fa go ntse jalo, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Chanoga, Rre Morwaledi Disang o supile fa ba ne ba simolola letsatsi leo la ngwao ngogola ka maikaelelo a go tsosolosa ngwao, segobogolo mo bananeng. Rre Disang yo o neng a itumelela tshologela ya batho, a re batho ba tshwanetse ba tsaya ngwao ka tlhoafalo ka gore e kopanya batho. A re malatsi a a tshwanang le a go tsolosa ngwao a botlhokwa ka a ka dira gore bana ba ikitse, selo se a reng se tlaa dira gore ba seka ba kopa mekgwa ya dingwao di sele e gantsi e sa siamang. “Re ikaelela gore re nne re dira jaana ngwaga le ngwaga ka gore re lemoga fa ngwao ya rona e nyelela, ka jalo re ikaelela gore re rute bana ka ngwao ya rona le go tshwaraganya merafe e e farologanyeng ka letsatsi le tshwana le lone le,” ga bua Rre Disang. BOKHUTLO education 4 Le arameleng le santse le tlhabile - Seretse Tona wa Lephata la iItshireletso, Molao le Thokgamo, Rre Dikgakgamatso Seretse, o kopile baagi ba dikgaolwana tsa Mauba le Rakgomo kwa kgaolong ya Serowe Bokone Botlhaba, go fetola megopolo le dikakanyo tsa bone. Tona Seretse o buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla, tse a neng a di tshwere kwa dikgotlaneng tseo mo bosheng. O tlhalositse fa puso e dira ka bojotlhe go tlhabolola Batswana mme jaanong go saletse bone go itlhabolola, go dirisa mananeo a puso. O ne a tlhalosa gore puso e dira ka gotlhe go tlhabolola balemi barui ba lefatshe leno mme bone ba e bone, a a fa sekai ka lenaneo la LIMID, le puso e le dirileng go tlhabolola temo. A re ke balemi barui ba se kae fela ba ba bonang bomosola jwa lenaneo le, a tlatsa ka gore ke nako ya gore Motswana mongwe le mongwe a ikakanye gore tsela o tsaya efe. Rre Seretse a re mathata ke gore Batswana ba dule mo moweng wa bojammogo, go tshedisana, lerato le kagiso. A re selo se, se dira le gore batho ba ikgatholose ditlhabololo ka ba se na mowa wa lerato le go dirisana. O ne a kopa batsenelela diphuthego tseo, go boela kwa morago go itshekatsheka. Rre Seretse a re Batswana ba setse ba fetogile bangongoregi fela ba batona e bile le dithuso tse puso e ba di tsisetsang mo go bone ke tshwanelo. A re lenaneo la Ipelegeng le diretswe go ba thusa, ga se tiro e bile ke lone le puso e lekang go ba thusa go tswa mo lehumeng ka dikatso tse ba di fiwang. A re banana, ba ka ithusa ka mananeo a mme ba felele ba thusitse ba bangwe ka go ba tlhamela ditiro. O ne a tlhalosa fa puso e dirile mme go saletse Batswana le banana ka kakaretso go amogela le go dirisa mananeo. A re go lemotshegile gape gore bonnyenyane jo bo amogelang mananeo a, bo sa a dirise sentle ka fa tshwanelong mme a kopa diphetogo. Rre Seretse a re ke tiro ya bone e le baeteledipele, go ruta setshaba ka bomosola jwa go fetoga le go fetola maitshwaro a bone. A re ke nako ya go ruta batho, e seng go tlhola go builwe fela ka ditlhabololo. BOKHUTLO society 9 Monana o atlholetswe go utswa mo koloing Mmakaseterata wa Molepolole, Rre Bhekimpilo Sibanda, o atlhotse Victor Kgolane kgolegelo ya ngwaga le dithupa tse thataro ka molato wa go thuba a bo a utswa madi le dithoto tsa madi a fetang dikete tse thataro. Mosekisiwa Kgolane, wa dingwaga tse masome a mabedi le bobedi wa kgotla ya Lekgwapheng o lebisitswe molato wa go thuba koloi ya ga Rre Bokamoso Maphepe. Kgolane yo iponeng molato, a re o ne a dira molato le bangwe ba le babedi le yo mongwe yo a tlhokafetseng fa wa borarao a emetse go amogela katlholo ya gagwe. Fa a rola katlholo, mmakaserata Sibanda one a amogela kgang ya gore mosekisiwa ke lantlha a dira molato ebile a sa senyetsa lekgotla nako ka go amogela molato, le ntlha ya gore mosekisisiwa a santse ale mo dingwageng tsa gagwe tsa bonana. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Bomme ba gwetlhiwa go gweba ka matlakala - Mogolwane wa kompone ya Sunshine Eagle Worth, Mme Florah Mmereki, o gwetlhile bomme go inaakanya le go busetsa matlakala mo tirisong ka go dira didirisiwa tse ba ka gwebang ka tsone go itshetsa. O buile jaana jaaka ba lephata la Environmental Health kwa khanseleng-potlana ya Hukuntsi ba ne ba tshwere letsatsi la thuto-puisanyo la go ruta setshaba ka go busetsa matlakala mo tirisong. A re go le gantsi batho kwa malwapeng le madirelo ba latlha matlakala ba sena kelelelo ya gore a ka busediwa mo tirisong, a supa fa go busetsa matlakala a tshwana le dipolaseteke, mabotlolo, matsela, dipampiri le tse dingwe go ka thusa go fokotsa kgotlhelesego ya tikologo. Mme Mmereki a re go le gantsi matlakala ao, a latlhelwa kwa mafelong a matlakala, a a supileng a tshubiwa mme a tlhalosa fa dikhakha, le tse dingwe di dirilwe ka metswako ee reng ka nako ya fa a tshujwa a ntsha gase ya ‘methane” e a supileng e le nngwe ya digase tse di nang le seabe mo go thuthufaleng ga loapi. Ka jalo, o ne a gwetlha batsena pitso eo gore ba simolole go farologanya matlakala a bone kwa malwapeng le gone gore ba rutuntshe bana ka bomosola joo jwa go kgaoganya matlakala, mme a kopa dikhansele go tla ka melawana e e tlamang batho go farologanya matlakala a bone kwa malwapeng. Mme Mmereki a re tikologo e e kgotlhelesegileng e ka ama botsogo jwa batho, matshelo a dimela le diphologogolo ka jalo seo se felelele se nyeletsa lobopo ka ponyo ya leitlho. A re ntswa lefatshe leno le lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la ditiro, bontsi bo ka itshetsa le ba malwapa a bone ka go bula madirelo a a dirang ka matlakala. A re seo, se ka thusa bontsi go atolosa dikgwebo tsa bone, segolo bogolo bao ba thusitsweng ka mananeo a nyeletso lehuma go ka tswakanya ditrelo tsa dikgwebo tsa bone ka go simolola tse di itebagantseng le go busetsa matlakala mo tirisong. Fa a afa maikaelelo a pitso, mothusa mokwaledi wa khansele- potlana ya Hukuntsi, Rre Joseph Banyatsang, o ne a supa fa pitso eo, e le tsela nngwe ya go rutuntsha le go rotloetsa banni ba metse ka botlhokwa jwa go busetsa matlakala mo tirisong. A re pitso eo, gape maikalelelo a yone, ke go tla go supegetsa setshaba didiriswa tse di ka dirwang ka matlakala gammogo le gone go rotloetsa bao ba setseng ba segile tema mo go direng dithoto dingwe ka matlakala. O ne a supa fa pitso e, e kopantseng dikgosi le baeteledipele ba dikomiti tsa metse,ka jalo a re moo go tla a thusa gore ba fetisetse molaetsa wa tiriso ya matlakala kwa banning ba dikgaolo tsa bone. O boletse fa dikomiti tsa metse di tlaa abelwa dietsele e le tsela nngwe ya go rotloetsa bophepa mo metseng ya bone. Kgosi Merapelo Tshweneyagae o supile fa tiriso botlhatswa ya dikhakha e ile magoletsa mo dikgaolong ka go farologana, ka jalo a gwetlha setshaba go di dirisa ka fa tshwanelong. A re dikhakha di na le ditlamorago tse di setlhogo ka di diruiwa di felela di dija, mme se, se bake kwelo tlase ya theko ya nama ya dikgomo kwa mebarakeng e sele, le gone gore go ka ama mohama wa bojanala, fa diphologolo di bolawa ke dipolaseteke. A re fa setshaba se ka tsibogela dithuto tsa tshomarelo tikologo, puso e tlaa fokotsa go dirisa madi a mantsi mo go ageng mafelo a go latlhelwang matlakala kwa go one mme madi ao a dirisiwe mo ditlhabololong tse dingwe. Fa a afa malebo, modulasetilo sa khansele-potlana ya Hukuntsi, Mme Goratwamang Tlhage, o ne a iteela dikomiti tsa metse legofi ka gore seabe sa tsone sa go phepafatsa metse se bonala ka jalo a ba gwetlha go tswelela ka mowa wa boithapo go tlhabolola kgaolo ba sa baa fela mo pusong. Mme Tlhage o ne a gwetlha banana go tsenelela pitso ya tiriso matlakala ka jaana ba ka anywa go le gontsi go itlhamela diphatlha tsa mebereko ka e le bone segolo ba babalelwang ke manokonoko a go tlhoka ditiro. education 4 Ba Mmadikola ba lela ka motlakase Banni ba Mmadikola mo kgaolong ya Boteti Bophirima ba ngongorega ka motlakase o o kgaogantseng motse wa bone ka bogare. Banni ba ngongoregile mo mopalamenteng wa bone, Rre Slumber Tsogwane yo o neng a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng. Ba re ba sale ba solofeditswe gore selelo sa bone se tlaa tsibogelwa ka bofefo nako kgolo. Mongwe wa banni, Rre Mompoloki George a re ba ne ba solofeditswe gore e tlaa re mo ngwageng wa 2017 katoloso ya motlakase e bo e setse e dirilwe. Rre George o boletse gape gore motse wa bone o na le tlhaelo ya metsi, a tlhalosa gape gore ba sale ba isitswe dithutong tsa nyeletso lehuma tsa lenaneo la dipudi le motshine o o dirang dipampiri tsa ntlwana ya boitiketso. Mme Galeagelwe Maemo a re motshine wa dikarata tsa leruo go nna fela go twe o senyegile mme ba tsere matsapa a go o latela kwa Letlhakane. O bile a gatelela seemo sa tlhaelo ya metsi le tlhaelo ya barutabana, a tlatsa ka go re ga ba na ngaka. Kgosi Tlhabologo Boima a re ba tswenngwa ke seemo sa tshenyo ya leruo le le kgaolang diterata. Kgosi Boima a re leruo le sentse terata ya mabitla, ya VDC le tsa morafe kwa malwapeng. Kgosi a re o kopa banni go tlhokomela leruo kana ba le ntshe gotlhelele mo motseng ba le ise kwa merakeng ka jaana tshenyo e e busetsa ditlhabololo kwa morago. O bile a kopa morafe go rapelela pula a re pula fa e gana jaana e a rapelelwa. Rre Kebabolokile Maele a re o leboga Tautona go bo a dirile le bone sentle. A re fa e ne e se gore lefatshe leno le diragatsa puso ya batho ka batho, ba kabo ba re a tswelele a busa. O ne a supa letshwenyego la gore le fa ba sielwa metsi ka koloi fa gongwe go feta malatsi a sa tle, a tlhalosa gore mogote o o batla metsi. Molaodi wa kgaolo ya Boteti, Rre Ewetse Selelo a re dipaakanyo tsa loeto lwa ga Tautona di tsweletse sentle, a tlhalosa gore ba dirile dikomiti tse di nang le kemedi ya metse yotlhe ya kgaolo ya Boteti Bophirima. Rre Selelo o tlhaloseditse banni gore leeto le la go nna jaaka mokete, ka jalo a re go tlhoka gore ba o baakanyetse ka tsotlhe tse di tlhokafalang. A re ba ntse ba bona gore go ntse go diragala jang kwa mafelong a mangwe fa Tautona a laela a re le bone ba eme ka dinao go tla go mo leboga ka seemo se se ko godimo. Tona o ne a ba lekodisa ka tse di builweng kwa palamenteng e e fetileng a ba rotloetsa gore ba bala molaetsa wa tekodiso ya ga Tautona. A re o masisi e bile o araba mafoko a e seng one a ba a utlwang mo mebileng. Tona Tsogwane a re molaetsa o o bua ka mananeo, o supa gore ngwaga o tsamaile jang mabapi le itsholelo ya lefatshe la Botswana. O ne a ba rotloetsa gore ka madi a ditlhabololo a ma-P10 million ba sekaseke gore ba dire mananeo a a ka tlhabololang motse mo go bonalang. politics 7 Thuo ya dikoko e thusa monana Letlhoko la ditiro ke seru se se wetseng banana ba lefatshe leno. E re le fa go ntse jalo, monana mongwe wa Borolong o ne a ikitaya ka thupana go kgapela ntle letsapa la go tlhola a gobeya mo mebileng ka go nna le maano a botshelo a ka itshetsang ka one go baya dijo mo tafoleng. Rre Onalethata Mothibi, yo o dingwaga tse di masome mabedi le botlhano a re o ne a tsaya tshwetso ya go ruwa dikoko ka go farologana ka mefuta ya tsone. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Mothibi a re o simolotse kgwebo ya thuo ya dikoko ngwaga ono o simolola ka lemmenyana le a neng a thusiwa ka lone ke masika le batsadi. O tsweletse a tlhalosa gore kgwebo ya gagwe ya thuo ya dikoko e na le di poelo tse di nametsang. A re mae a na le theko e e kwa godimo ka a rekwa ke bagwebi le barutabana ba sekole se se botlana sa Makobo. Mme se se mo gwetlha go oketsa palo ya dikoko tsa mae mme gape o boletse fa a dirisa dipoelo tse go tokafatsa itsholelo ya gagwe le go tlamela ba lelwapa la gagwe. Rre Mothibi o ne a akgola maiteko a a dirwang ke puso a go neela banana madi go atolosa dikgwebo tsa bone, a re se se tsile go ba thusa go isa dikgwebo tsa bone kwa godimo. O ne a kaya fa a le mo tseleng ya go ikopela madi a banana kwa pusong go godisa kgwebo ya gagwe, mme o ne a tswelela a bua gore kgwetlho e tona mo kgwebong ya gagwe ke ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa dijo tsa dikoko. A re ga a fele pelo ka kgwebo ya thuo ya dikoko e na le madi mme e tlhoka motho yo o berekang ka natla letsatsi le letsatsi go fepa dikoko, go di neela metsi a a phepha, go phepafatsa hoko gararo mo bekeng Se se dira gore dikoko tsa gagwe di gole di nonofile ka dipalo tse di ntsi fela thata, mme di tsenye lemmenyana le le botoka go ka di rekela dijo. O tlhalositse gape fa a thusa banana bangwe ba motse wa gagwe ka thuto ya thuo ya dikoko e a e amuleng mo go bangwe barui ba ba atlegileng mo kgwebong ya dikoko. A re ntswa a ithaopile go dira jalo, banana ba santse ba tla fela ka dipalo tse di boutsana go tla go anywa maele. O kgothaditse banana gore ga ba a tshwanela go nna fela ba itshopere ba re ba emetse puso go ba tlhamela ditiro. A re banana ba tshwanetse go dirisa diatla tsa bone go itlhamela ditiro, mme puso e bo e tla e ba thusa fale le fale ba setse ba gatetse pele, economy_business_and_finance 3 Mapodisi a tlhotlhomisa bogodu jwa leruo Mookamela mapodisi a Lobatse, Superintendent Photsanyana Mogatsaseno a re ba tlhotlhomisa monna mongwe mabapi le dikgomo tse go belaesegang e le tsa bogodu. Supt Mogatsaseno a re dikgomo tse, tse di leng lesome le borataro ka palo, di fitlhetswe mo lesakeng la mmelaelwa ko morakeng wa Kamawe, o o gaufi le motse wa Maisane mo kgaolong ya Ngwaketse. O tlhalositse fa ba tshwere dikgomo tse morago ga go longwa tsebe ke mongwe, yo o neng a gakgamadiwa ke go bona masaka mo sekgweng a na le dikgomo. O akgoletse kemonokeng ya sechaba mo go lwantsheng borukutlhi, mme a rotloetsa setshaba gore se tswelele ka mowa wa go loma sepodisi tsebe fa go na le tiragalo e ba e belaelang, kgotsa e e sa tlwaelesegang. Supt Mogatsaseno o rotloeditse setshaba go tshuba le go tshwaya dinamane gore go nne bonolo gore ba di lemoge fa di utsulwe. O tladitse ka go gakolola setshaba gore, yo o timeletsweng ke dikgomo o ka itshwaraganya le mapodise a a gaufi le bone, kgotsa ba itshwaraganya le mapodise a Lobatse go tla go bona dikgomo tseo. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Puleng o kopa banni go tsena diphuthego Mothusa kgosi ya Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng a re banni ba motse oo ga ba tsene diphuthego tsa kgotla. E rile a bua mo potsolotsong, Kgosi Puleng a re le fa phuthego e laleditswe banni ga ba ke ba ba tshologa mokgosi go tla go utlwa se ba se bilediwang. Kgosi Puleng a re se se tshwenya fela thata ka gore bangwe ba banni ba nna ba ngongoregela gore ga ba rerisiwe ka ditsamaiso tsa motse wa bone le ntswa ba sa tsene diphuthego, a re ga go na tsela epe e ba ka itseng ka ditiragalo tsa motse wa bone fa ba sa tsene diphuthego. O tsweletse a re se se ngomolang pelo le go feta ke gore banana bone gotlhelele ga ba ke ba iponatsa mo diphuthegong ntswa e le bone bagogi ba kamoso. A re se se tsisa matshwenyego a gore fa ba sa tsene diphuthego jaana ba tlaa tsoga ba etelela pele jang ba sa itse tsamaiso le ditso tsa motse wa bone. A re o kopile dikgosana tsa motse wa gagwe gore ba simolole go buisa diphuthego mo dikgotlaneng tsa bone gore ka tsone banana ba rotloetsege go tsena diphuthego. Kgosana ya kgotla ya Ratshosa, Rre Othusitse Keoepile o supile fa le ene a lemogile boutsana ja banni mo diphuthegong, mme a re banni ba ntsha mabaka a gore diphuthego di lalediwa thari ba setse ba na le mananeo a sele. A re le fa go ntse jalo, go na le batho ba ba itsisiweng ka phuthego malatsi pele ga letsatsi la phuthego, ba tshwana ba komiti ya ditlhabololo tsa motse gore ba itsise morafe ka phuthego. Rre Keoepile a re banni bogolo jang banana ba tshwanetse ba rutuntshiwa ka botlhokwa jwa phuthego ya kgotla. BOKHUTLO society 9 Basadi ba le bararo ba tlhokafetse Mogolwane wa mapodisi a Mahalapye, Superintendent Isaac Mamadia re ba tlhotlhomisa kotsi e mo go yone basadi ba le bararo ba neng ba tlhokafala fa khombi e ba neng ba tsamaya ka yone e pitikologa mo tseleng ya A1 gaufi le Tewane bosheng. Superintendent Mamadi o tlhalositse mo puisanong le BOPA gore batho bao, ba ba neng ba le lesome le botlhano ka palo go balelwa le mokgweetsi ba diragaletswe ke kotsi eo ka Tshipi fa ba ne ba boela kwa Bobonong ba tswa nyalong kwa Dibete. A re mo bathong bao, ba go bolelwang e le masika, go tlhokafetse basadi ba le bararo fa basadi ba bangwe ba le batlhano le mokgweetsi ba bone dikgobalo tse di masisi fa ba le bane bane ba ne ba alafelwa dikgobalo tse dipotlana, mme morago ba gololwa mo kokelong. Superintendent Mamadi o tlhalosa fa mo bathong bao, ba le babedi ba fuduseditswe kwa kokelong ya Nyangabwe kwa Francistown. O boletse fa mapodisi a tsweletse le ditlhotlhomiso go bona se se bakileng kotsi fa maina a baswi a santse a lobilwe go fithelelela ba masika ba itsesiwe. Rre Mmadi o rile le ntswa ba sepodisi sa Botswana le ba lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng ba tsweletse ka lotsholo la go ruta Batswana ka ipapalelo tseleng, o swabisiwa ke go bona dikotsi tsa tsela di tsweletse ka go gapa matshelo a batho ka dipalo tse di tsitsibanyang mmele, segolo jang mo tseleng ya A1 e e tshwaraganyang dikgaolo tsa Borwa jwa lefatshe leno le tsa Bokone. A re go le gantsi dikotsi di bakwa ke go kgweetsa ga batho ba sena ditlankana, go kgweetsa ga batho ba itontetse majalwa, go tlhoka go obamela matshwao a tsela, go kgweetsa ka lobelo lo lo feteletseng le go dirisa dikoloi tse di sa itekanelang. Fa dikgang di eme jalo, mogolwane wa mapodisi a Martinsdrift, Superintendent Tomas Samasasa o bolela fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng lekawana lengwe la dingwaga tse di lesome le boferabongwe le bonweng le akgega mo setlharing. Superintendent Samasasa o boletse mo potsolotsong le A re le fa ditlhothomiso di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile gore moswi a ikgapele botshelo, gone go tlhomamisitswe fa lekawana leo le tlholega kwa Gantsi. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Puso e tlaa rarabolola seemo sa tlhaelo ya metsi - mothusa tona Mothusa tona wa Merero ya Lefatshe, Metsi le Ditirelo tsa Kgopho ya Metsi a Leswe, Rre Itumeleng Moipisi, a re puso e dira bojotlhe go araba selelo sa tlhaelo ya metsi. Rre Moipisi o boletse se kwa phuthegong ya kgotla kwa Marapong Seetebosigo a le lesome. A re puso le yone e tshwenyegile ka seemo sa metsi, mme e leka bojotlhe go batla tharabololo. O boletse fa thulaganyo ya go siela Marapong metsi go tswa kwa letamong la Ntimbale e abetswe madi mme tiro e solofetswe go simolola monongwaga, mme e wele ka ngwaga wa 2021. A re metse e e solofetsweng go noswa ka thulaganyo ya Ntimbale e masome matlhano le bobedi, e e mo dikgaolong tsa Shashe Bophirima le Nkange. O tsweletse a bolela fa mo didibeng tsa Maitengwe tse di nosang kgaolo eo tse di lesome le bobedi, tse pedi di kgadile, a re tse di berekang jaanong di dira go feta selekanyo. Rre Moipisi a re gape metsi ao ga a lekane ka didiba tseo di ntsha 5 million litres ka letsatsi, fa metse yone e tlhoka 7 million litres. A re le fa gontse jalo, lephata le leka ka bojotlhe go siela metse eo metsi ka dikoloi. A re go na le thulaganyo ya go gokela sediba se se kwa Goshwe go siela metse ya Marapong le Semitwe. Go tlaa tsosoloswa didiba tsa kwa Chidumela go leka go tokafatsa seemo sa tlhaelo ya metsi fa go santse go emetswe thulaganyo ya senne-la-ruri ya Ntimbale. Mo dikgannyeng tse dingwe, mothusa tona o ne a supa fa batho ba le makgolo a robabongwe le masome a robabongwe ba ikopetse ditsha kwa Marapong, mme tlhaelo ya lefatshe ke yone e bakang tiego ya go aba ditsha. E ne e rile a amogela baeng, Kgosi Bakane Mampori a bolela fa batho ba sa tsoga ke letlhoko la metsi. A re fa e sa le ba solofetswa go noswa metsi a Ntimbale nakokgolo ke eno. Kgosi Mampori a re ba setse ba akanya go isa kgang ya bone kwa go Tautona, ka ga go thuso epe e ba e boneng le dikoloi tse di isetsang batho metsi di tsaya nako go a isa. Banni ba ne ba lela ka tiego ya ba lephata la kabo ditsha go baa ditsha, bogolo jang tsa bonno le ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa metsi, ntswa go tsaya nako go sena metsi. Fa a araba, Rre Moipisi o boletse fa peo ya ditsha ya bofelo e dirilwe ka ngwaga wa 2015, a bolela fa ba santse ba na le kgwetlho ya go aba lefatshe, mme lephata le leka ka bojotlhe gore fa gona le phatlha batho ba bewe. politics 7 Ntlo ya asha ya lora, Leseanyana la tlhokafala Mapodisi a Serowe a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone ngwana wa dikgwedi tse nne a neng a tlhokafala morago ga gore ntlo e a neng a robetse mo go yone e kape molelo kwa kgotleng ya Maphakwane gone mo Serowe. Mookamela mapodisi a Serowe, Superintendent Poloko Oteng a re ba ne ba amogela pego ya gore ntlo nngwe e a sha mme ba ragogela koo. A re go bonala fa ntlo eo e ne ya sha morago ga go thunya ga sengwe. A re ka nako ya fa e esha mmaagwe lesea leo o ne a seyo mme rraagwe a leka go mo ntsha mme ga pala. O tlhalositse fa e ne ya re morago ga go tima molelo ka thuso ya ba setima molelo, ngwana yo o a ragosediwa kwa sepatela mme ga rurifadiwa fa a tlhokafetse. Suprintendent Oteng a re rraagwe lesea le ene o ne a ragosediwa kwa kokelong ka le ene a ne a lebega a tsenwe ke mosi mme morago a gololwa. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Metsi a a bothitho konokono mo baithuting Go botlhokwa gore go tsenngwe metsi a a bothitho kwa dikoleng gore bana ba tlhape diatla gona le go dirisa di bolaya mogare ka jaana bangwe ba anywa menwana. Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Rachel Villander, o buile jalo bosheng fa a akgela mo tekodisong ya modulasetilo wa khansele ya kgaolo ya Kgalagadi, Rre Hendrick Jacobs. Mme Villander a re go borai go dirisa di di bolaya megare mo matsogong, ka gore bana, bogolo jang ko dikoleng tse dipotlana, ke ba ba santseng ba hatlhoga. A re go botlhokwa go tlhomamisa gore dithuthafatsa metsi di tsenngwa ka bonako. O rotloeditse gore go dirwe methale e mesha ya go kwadisa bana kwa kgorong ya sekole le go ba tsaya mogote go itsa gore ba simolole dithuto morago ga nako. Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Tsabong Borwa, Rre Edward Coetzee, ene a re puso e lekile ka bojotlhe go baakanya dikole go di baya mo maemong a a siameng go lwantsha segajaja sa COVID-19, mme go santse go tlhokega gore go baakanngwe fale le fale gore seemo se laolesege ka thelelo. A re go tsenngwa ga ditanka tsa metsi gore baithuti ba tlhape diatla go santse go ise go wele ka jalo go tsaya nako gore bana ba thusiwe phakela pele ga dithuto. O tlhalositse gore sekolo se se botlana sa Tsabong, se na le bana ba le 800, ka jalo go tlhokega maranyane kana go oketsa ba ba ba kwadisang ko kgorong gore sekole se tsene ka nako. Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Nkatlholang Simane le ene o gateletse gore go santse go lemosega gore dithuto di simolola morago ga nako ka baithuti ba ikwadisa pele ba bo ba tsewa mogote. Ka jalo seemo seo se tshwanetse go tokafadiwa gore baithuti ba simolole dithuto ka nako. Mokhansela wa Gakhibane, Rre Tirelo Pule a re segajaja sa COVID-19 se borai mme go tlhokega gore batho ba tlhatlhobiwe nako le nako. Mokhanselara wa Werda, Rre Obokeng Maletsi o kopile gore go elwe tlhoko di tsaya megote, ka bontsi jwa tsone go belaesega di sa tseye mogote sentle. A re setsaya mogote se kgona go supa fa mogote wa ngwana e le 40, mme e re a tsewa gape mo sebakeng se sekhutshwane gone foo, mogote o bo o bala palo e e kwa tlase. A re dikole dingwe mo kgaolong ya gagwe di felela di tsenya bana fela mo sekoleng ka mabaka a gore ditsaya mogote di a bo di sa bereke sentle, selo se a reng se tshwanetse go baakanngwa. health 6 Bogodu bo ile tlase kwa Charleshill Ramapodisi a Charleshill, Superintendent Sello Ntwaagae a re tirisano mmogo e ba nang le yone le bogogi jwa motse bo fokotsa dipalo tsa borukutlhi mo kgaolong ya gagwe. Mo potsolotsong le BOPA, Supt Ntwaagae a re go simolola ka kgwedi ya Moranang go fitlhelela jaana, ba gatisitse dipalo tse di ko tlase tsa melato e e farologaneng. Go ya ka ramapodisi, ba nnile le dikgang di le tharo fela go tswa ka Moranang go fitlhella ka Lwetse jaana mo borukutlhing jwa go thuba mo matlong, dikgang tsa kiteo di le 22, le tsa go utswa di le 12. A re molato wa polao o nnile mongwefela, bogodu jwa leruo wa nna mongwefela, thubetso e le nngwefela, go nwela nnotagi kwa ntle ga madirelo a marekisetso a nnotagi di le 12, go rekisa nnotagi ka dinako tse di fetileng mo go tse di beilweng di le pedi, fa melato ya tsela e gatisitswe e le 337. Dipalo tse di kwa tlase tse, Supt Ntwaagae a re e le ba sepodisi ba kgona ka tirisano mmogo e ba nang le yone le bogogi jwa motse ga mmogo le go tsena ntlo le ntlwana le gone go rutuntsha setshaba ka melato e e farologaneng. Supt Ntwaaage a re ba tsena mo dikgotlaneng gabedi mo kgweding ba ruta batho ka se ba bonang e le sone se se remeletseng mo kgotlaneng e e rileng. A re se, se a ba berekela ka jaana ba rutuntsha ka setlhogo sa molato se se tshwenyang thata mo kgotleng mme ka go dira jalo go fokotse dipalo tse di neng di ka nna dintsi mo kgotlaneng tota le mo motseng. Le fa gontse jalo Supt Ntwaagae a re e le ba sepodisi ba tshwentswe ke manweenwee a a tsietsang barua kgomo mo kgaolong ya Charleshill, ba re ba rekela dibutshara. A re ba tlhotlhomisa dikgang di le tharo mo nakong eno tsa tsietso; mo go tsone manweenwee a fetile a tsietsa barua kgomo ka go re ba reka dikgomo mme ba ba neele dicheke tse di fetileng tsa tlhoka go neela barui madi ko bankeng ka jaana manweenwee ao a ne a sena madi mo bankeng. O tlhalositse gore go na le kgang e mo go yone morui mongwe a neng a tsiediwa ka go tseelwa dikgomo tse di ka lekanang P70 000 ke lenweenwee le tswa Tlokweng. O gakolotse barua kgomo go nna kelotlhoko fa ba rekisa dikgomo tsa bone ka jaana ba ka sala ba iphotlhere fela. Supt Ntwaagae a re le fa ba kwadisitse dikgang tse di ko tlase tsa molato o, o dumela gore go na le ba le bantsi ba ba sa tlang ko go ba sepodisi go ikuela, ka jalo a ba rotloetsa go ikuela kwa sepodising gore dirukutlhi tsa go nna jalo di salwe morago. crime_law_and_justice 1 BotswanaPost Foundation e abela Ghanzi Day Care Lekalana la BotswanaPost Foundation le simolodisitse semmuso komiti ya corporate social responsibility ya lekalana la kgaolo ya Lobatse/Kgalagadi ka go abela bana ba sekole se sebotlana sa Ghanzi Day Care dimpho tse di akaretsang dibuka le dilwana tsa itloso bodutu. Mogolwane wa poso ya Ghanzi, Mme Caroline Themba a re maikaelelo a mokgatlho o ke go busetsa bontlha jwa dipoelo tsa bone mo setshabeng. A re mokgatlho o, o tlaabo o itebagantse le kgaolo ya Ghanzi ka e rile mo ngwageng o o fetileng lekalana la diposo la simolodisa Botswana Post Foundation kwa motseng Kacgae, e e itebagantseng le Botswana ka bophara. Mme Themba a re mokgatlho o, o tlaabo o itebagantse le Batswana mo kgaolong ya Ghanzi, ba ba tla akolang dipoelo tsa poso ya bone ka e le bone ba ba rekelang. A re se, se fa bodiredi jwa BotswanaPost sebaka sa go nna le seabe le go tsaya karolo mo ditirong tsa metse e ba nnang mo go yone e bile gape ba direla mo go yone. A re e rile ba ntse ba tsamaya le motse ba lemoga letlhoko la sekole se, e bile ba gwetlhiwa thata ke gore sekole se se tsamaisiwa ke bomme fela ba lekgotla Botswana Council of Women.Moeteledipele wa diposo, Rre Pele Moleta, a re ba leba thuto e le botlhokwa. A re ba tsere sekole se sebotlana sa Kacgae ka lenaneo la ga tautona la Adopt a School, go se thusa go tokafatsa maduo, mme gompieno ba abela sekole sa bana sa Ghanzi Day Care e le tsela ya go supa fa thuto e le botlhokwa, e batla go tlhoafalelwa. Rre Moleta a re thuto e tlhoka go tshwaraganelwa ke bana-le-seabe botlhe, a bua jalo a rotloetsa bodiredi jwa poso go tsena mo setshabeng le go inaakanya le dikomiti tse di mo motseng gore ba itse matlhoki a bone. A re batsadi ba rotloetse bana, le go ba akaretse mo ditirong gore bana ba gole ba na le boikarabelo. Rre Moleta a re lekalana la Botswana Post Foundation le remeletse mo go kopanyeng setshaba, thuto le botaki. Rre Moleta a re o lebogela seabe sa bomme mo go simolodiseng sekole se, a tlatsa ka go supa fa se ele maiteko a matona a a tlhokang go rotloediwa gore kgodiso ya bana e nne e e siameng. A re lekalana le la poso le batla go bona letshego la tebelopele ya setshaba la ‘tshaba e e rutegileng e bile e na le kitso’ le atlegile; ke sone se ba boneng gole botlhokwa gore ba tshwaraganele dikole le puso, e le tsela ya go tlhabolola maduo le thuto ya bana. Modulasetilo wa kgaolo ya Ghanzi wa lekgotla la Botswana Council of Women a re ba lebogela kemonokeng ya BotswanaPost Foundation go bo ba ba file dimpho tse a reng di tlaa ba thusa mo tsamaisong ya sekole le mo kgodisong ya bana. A re sekole se, se tswa kgakala se tsamaisiwa ke bomme ba ba ithaopileng ba mokgatlho wa Botswana Council of Women, se sena di dirisiwa, a tlatsa ka gore selelo sa bone se arabesegile ka dimpho tse di tswang kwa Botswana Post. A re bagwebi le maphata a mangwe a puso ba nne le seabe go ba thusa go godisa sekole ka bomme ba se kake ba kgona ba le nosi. A re le ntswa mokgatlho o, o bidiwa Botswana Council of Women le borre ba letlelesega go nna le seabe mo go one. Mme Mosaise a re mokgatlho o, o lwela ditshwanelo tsa bomme gore go nne le tekatekano fag are ga bomme le borre. A re o ruta bomme go itirela ka diatla ba sa lebelela seemo sa thuto ya bone. Mme Rose Mosaise a re o lebogela kemonokeng ya khansele ya Ghanzi ka dithuso di akaretsa go gokela diphaephe tsa kgopo ya metsi a a leswe.Bokhutlo education 4 Kgetsi ya tsie... Kgosi Oletsositse Mosweu wa motse wa Dukwi a re ga a jeswe diwelang ke bangwe batsadi ba ba nnang ko merakeng ya Malelejwe le Tshwaane, ba ba sa tsibogeleng dithuto tsa bana ba bone. O buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng mme a supa fa bangwe batsadi kwa merakeng eo ba tsweletse ka go roma bana ba bone ditiro tse di ba kgoreletsang go tsweledisa dithuto tsa bone. Kgosi a re puso e intshitse setlhabelo gore ngwana mongwe le mongwe a seka a tlhaelwa ke thuto ka jalo go dirilwe thulaganyo gore bana go tswa mo merakeng eo ba tsene sekolo kwa motseng wa Maposa. A re ka dinako tsotlhe fa dikolo di bulwa, bana bao ba a tsewa ka dikoloi tsa puso mo mafelong a bone go isiwa kwa sekolong, mme e re di tswalwa ba busetswe gape kwa mafelong a bone.Kgosi Mosweu a re ka one malatsi a sekolo fa ba le ko Maposa ba nna le motlhokomedi, ba fiwa boroko, dijo le ditlamelo tse dingwe tsa botlhokwa. Jaanong Kgosi a re ga a itumedisiwe ke go bona bangwe batsadi ba sa eme maiteko ao nokeng ka jaana ba tsweletse ka go roma bana ditiro tsa go disa le go bapala bojang le tse di ngwe tse phelelong di kgaupetsang dithuto tsa bana. Kgosi Mosweu o bile a supa fa bangwe batsadi ba rotloetsa bana go inyadisa ba gabile dipoelo mo manyalong ao. A re one manyalo a a na le seabe go rotloetsa boimana jwa dingwaga tse di ko tlase, thobalano ka dingwaga tse di ko tlase le tse dingwe tse di fatlhang. Kgosi o kgalemile mokgwa o a menne phatla a supa fa seo e le kgokgontsho e bile go rontsha bana tshwanelo ya bone ya go ithuta le gone go ka ipatela bokamoso jo bo rileng. A re puso e tsweletse ka go dirisa madi madi e tlhabolola seemo sa thuto e bile e dira maiteko a gore ngwana mongwe le mongwe a bone sebaka sa go amogela thuto go sa kgathalesege gore o tswa mo lefelong lefe. Ka jalo, Kgosi Mosweu a re batsadi ba tshwanetse go boela morago mokgwa oo wa go kgaupetsa dithuto tsa bana. BOKHUTLO education 4 Kamuso ka lebele e sireletsa lesea, mmangwana Go kailwe fa kamuso ka lebele e le yone makgonatsotlhe mo botsogong le botshelo jwa ngwana gammogo le mmangwana. Seo se tlhalositswe ke mooki wa kokelwana ya Rungwane kwa Thamaga Mme Neo Bolele jaaka ba ne ba tshwere thuto-puisanyo go rutuntsha banana le bomme ba Gakgatla ka botlhokwa jwa kamuso ka lebele bosheng. Mme Bolele o tlhalositse fa kamuso ka lebele e ka fokotsa lehuma mo lwapeng, a supa fa mmangwana a sa tlhokane le go dirisa madi go reka mashi ka jaana a nna a le teng fela ka dinako tsotlhe, mme seo se thuse gore ditiro tse dingwe tsa mo lwapeng le tsone di dirwe sentle. O tlhalosa gore kamuso ka lebele e thusa gore ngwana a gole sentle a itekanetse, a gatelela fa mashi a lebele a na le dikotla tsotlhe tse ngwana a di tlhokang. A re seo gape se thusa le mmangwana gore a tsoge sentle mo mmeleng, segolo jang morago ga pelegi, a tlatsa ka go re mme a ka se tshabelelwe ke go tsenwa ke bolwetse jwa kankere ya mabele. O bile a tlhalosetsa banana le bomme ba ba neng ba tsene thuto-puisanyo eo gore kamuso ka lebele e fokotsa tlala mo ngwaneg ka jaana ngwana o nna a kgotshe, a kaya fa mashi a lebele a nna a le bothitho jo bo lekanetseng. Mme Bolele o bile a gatelela gore kamuso ka lebele e thusa puso go fokotsa ditshenyegelo, ka jaana go sa dirisiwe madi a mantsi go reka mashi mme e bile a rotloetsa bomme le banana ba Gakgatla go ikamanya thata le go amusa ka lebele. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa boitekanelo mo kgaolong ya Thamaga Mme Wangu Fanani o ne a tlhalosa fa mashi a lebele a le botlhokwa mo kgolong ya ngwana ka jaana a na le metsi a selekanyo sa masome a robabobedi le botlhano mo lekgolong a a kaileng fa a le botlhokwa mo botsong jwa ngwana, segolo jang yo o santseng a le dikgwedi tse di kwa tlase ga borataro. A re kgatsele a na le dikotla tse dintsi di tshwana le tse di agang mmele mme a supa fa mashi ao e bile a tlhatswa teng ya lesea. Mme Fanani o gateletse fa kamuso ka lebele e thusa bomme go katolosa tsholo, a kaya fa seo se ba neela nako ya go godisa bana sentle ka lorato lo lo lekanenetseng, ka jaana go tsisa lorato le lontsi fa gare ga ngwana le mmaagwe. E ne e rile go le pele fa a afa mafoko a kamogelo Kgosi Lenyetse Moshapa wa Gakgatla a kgothatsa ba-tsena thutopuisanyo eo go tsaya thuto e ba e neelwang ka tlhoafalo ga mmogo le go abelana le ba bangwe ka jaana bontsi jwa banana e le bone ba ganang go amusa ka lebele. Kgosi Moshapa a re ke nako ya gore bomme ka bontsi ba boele kwa kamusong ka lebele, ka jaana go kailwe fa ngwana yo o anywang lebele a tshabelelwa ke go nna botlhale mme e bile a sa tshabelelwe ke malwetse. health 6 Ba gwanta kgatlhanong le dipolao E ne ya re bosheng banni ba Maun ba tshwara mogwanto kgatlhanong le dipolaano tsa bakapelo kwa Maun ka Matlhatso. Le fa tshologelo ya mogwanto oo e ne e sa kgotsofatse, morulaganyi wa one, Rre Dennis Mpofu o supile fa maikaelelo e ne e le go tsibosa batho kgatlhanong le dipolaano tsa baratani tse di apereng lefatshe leno. Rre Mpofu o supile gape fa a na le thulaganyo ya go rutuntsha bana, bogolo jang ba basimane go ikgapha mo kgokgontshong ya bong. O supile fa seo se ka nna le seabe se segolo mo go fokotseng kgokgontsho ya bong. O tlhalositse fa thulagnyo eo e simolotse kwa sekoleng se segolwane sa Tshwaragano kwa Maun mme morago e tlaa atolosiwa le dikole tse dingwe. A re maikaelelo ke gore bana ba ba rutilweng, ba rute ba bangwe ka bana ba ithuta botoka mo go ba bangwe. Moeteledipele wa komiti ya sekole e bile e le moithuti, Terence Japi o supile fa kgokgontsho e ama bana thata le itsholelo ya lefatshe tota. A re bana ba sala e le masiela morago ga go tlhokafalelwa ke batsadi ka lebaka la kgokgontsho ya bong mme ba tshwanelwe ke go tlamelwa ke puso. Moithuti yoo, a re bomme le bone ba dire ka gotlhe go dibela go tswa ditlhabelo tsa kgokgontso. Moithuti yo mongwe wa leleloko la komiti, Golebaone Mokweeno a re go supa fa bontsi jwa dipolaano tsa baratani di bakwa ke borre mo go bomme, a re seo se a tshwenya ka bomme ke bone thari ya setshaba. Golebaone o kgothaditse batsadi go kgalemela bana ba bone gore ba emise go inyadisa, ka go lebega dikgokgontsho tse dingwe di le mo botsalanong jwa go nna jalo e bile batsadi ba itse fela go setse go diragetse matlhotlhapelo. Mogwe wa batsena mogwanto, Mme Kapande Sewelo ene o kgothaditse banana go nna ditsala le batsadi ba bone le barutabana bogolo jang ba bagakolodi. A re seo se ka thusa go hema dipolaano tsa baratani. Mme Sewelo a re dikgakololo tsa batsadi di ka aga banana mme ba kgone go ka hema ditlamorago tsa tlhoka kutlwisisisano mo botsalanong jwa bone. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Sepodisi se agetse Mme Selelo ntlo Mapodisi kwa kgaolong ya Legare ba abetse Mme Mamokiri Selelo ntlo ya dikamore tse nne e e lopileng madi a a fetang P58 000 kwa Mmutlane. E rile a bua kwa moletlong wa go abela Mme Selelo ntlo semmuso ka Labotlhano, mookamedi wa sepodisi sa Botswana, Rre Keabetswe Makgophe a leboga baeteledipele ba Mmutlane ga mmogo le banni go ba bulela dikgoro fa ba kopa go ba thusa. Rre Makgophe a re le bone ka e le Batswana mo Botswana, ba ne ba utlwa mafoko a ga Tautona a go thusa bangwe ka bone mme ba se ka ba ipona tsapa. O ne a tlhalosa fa go sena selo se se fang seriti mo botshelong jwa motho jaaka go nna le bonno, mme ba ne ba bopagana gore e re ba bereka thata le setshaba ba nne le karolo mo go feng bangwe ka bone seriti. Rre Makgophe a re fa motho a tlhoka bonno kgotsa a bolawa ke tlala, o kgona go felela a ikadimile dithoto tsa batho kgotsa a inaakanya le borukutlhi gore a kgone go itshetsa. A re e le ba sepodisi ba dira ka gotlhe go bona gore setshaba se tshela fa go siameng go leka go fema borukutlhi, a tlatsa ka go re ba setse ba agile matlo a le mokawana lefatshe ka bophara. O tlhalositse gore ka 2016, ditshekatsheko di ne tsa supa fa sepodisi sa Botswana e le sone se tsereng maemo a ntlha mo Afrika mme se se dirwa gape ke gore ba dirisana jang le morafe o ba tshelang le one. A re gore ba bo ba tsere maemo a ntlha go ne go lebilwe dilo di le dintsi di akaretsa maphata a mangwe le setshaba ka kakaretso. O tlhalositse gape gore phenyo e ke ka thuso e ba-na-le seabe bogolo jang setshaba ba nang le yone mo go bone, mme ke sone se ba tsenyang letsogo mo setshabeng go ba lemotsha fa e le batho boora-mmogo. Rre Makgophe o ne a tlhalosa fa tiro ya bone e se go tshwara batho kgotsa go lwantsha borukutlhi fela mme e akararetsa go supa bopelotlhomogi gammogo le lorato mo setshabeng. O supile fa maikaelo a sepodisi e le go dirisana le batho sentle le go tsisa botsalano fa gare ga bone le setshaba, a tlatsa ka go re tiro ya bone e tsamaisiwa sentle ke popagano le tirisano mmogo gareng ga sepodisi le setshaba. A re dilo di tsamaya motlhofo fa bobedi jo bo na le kutlwisisano e bile bo thusana. Rre Makgophe a re kgwetlho e ba nang le yone ke gore ba tsere maemo a ntlha ngwaga o o fetileng, ba tshwanelwa ke go tswelela ba dira ka natla gore ba seka ba wela kwa tlase. O ne a gakolola mapodisi ka kakaretso gore go mo go bone go bona gore ba dira ka natla go dirisana le setshaba le go sireletsa batho gore ba seka ba wela tlase mme ba tloga ba itlhabisa ditlhong. Mo go tse dingwe, Rre Makgophe o ne a kopa Batswana go emisa kgokgontsho ya bong bogolo jang ya bana ba basetsana. A re borre ka bontsi ba itirile ditau mo go bomme le mo baneng ba basetsana ntswa e le bone batlhokomedi le basireletsi ba bone. A re mo bogompienong, lefatshe ka bophara le mo letsholong la segopotsa sa malatsi a le lesome le borataro go bona gore kgokgontsho e, e a fela. O ne a tlhalosa gape gore sepodisi se simolodisitse letsholo la malatsi a a masome a marataro kgatlhanong le borukutlhi le dikotsi tsa tsela.A re ba lemogile gore ngwaga fa o tsamaya fa, dikotsi tsa tsela gammogo le borukutlhi di ya magoletsa. E rile a tswa la gagwe, Kgosi LooMatsoga Gaogane wa Mmutlabe a leboga sepodisi sa Botswana go bo le bone ba bone go le botlhokwa go agela mongwe ka bone mo motseng wa gagwe. Kgosi Matsoga a re Batswana jaanong ba eme ka dinao go busetsa mowa wa bopelotlhomogi o o neng wa gatelelwa ke Tautona fa a tsena mo setilong. A re jaanong ba itse fa ba ka rwadisana merwalo mme ba thusa bangwe ka bone, ba ba fa seriti. society 9 Go tlhaloganya molao go botlhokwa Go bolelwa fa go le botlhokwa gore maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse ba itse molao wa go tsamaisa komiti le go o tlhaloganya, gore ba tle ba tlhofofalelwe ke tiro ya bone go e dira ka botswapelo. Mafoko a, a boletswe ke mogolwane wa boipelego kwa Ramotswa, Rre John Sephobe, jaaka a ne a ema maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse ka lefoko kwa motseng wa Ramotswa bosheng. Rre Sephobe o boletse fa dikomiti tsa ditlhabololo di ntse di dirisa ditsetlana tsa molao tsa bogologolo tsa ngwaga wa bo 1965, ka jalo di tlhabolotswe gore maloko a VDC a itse gore ba tsenetse eng mo komiting eo le go tlhaloganya gore ba ya kae. O boletse fa maloko a VDC ba setse ba isitse tsepamo ya bone mo lenaneong la Ipelegeng, ba lebala maikano a bone a go tlhabolola motse. O boletse gape fa mo tsamaisong e ncha, e tla re a fa maloko a VDC a sena go tlhophiwa, ba rurifadiwa ke ba khansele, ba sena go sekaseka gore a ba kgotsofatsa tsamaiso tsotlhe tse di batliwang. Mogolwane wa boipelego kwa Ramotswa Rre Nakedi Morwagaabuse, o boletse fa tsamaiso ya VDC e ntse e le teng, a tlhalosa fa go ntse go tlhaela molao o o feletseng wa go di tsamaisa. Mongwe wa maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse Rre Paul Matongo, o ne a amogela fa e le ruri bangwe ba bone ba senya, ka ba na le go ikadima madi a morafe. O boletse gape fa bangwe maloko a bone, ba na le go rolela mokgweleo mo go ba bangwe E ne erile a amogela batsena thuto seka dipuisanyo, moemelakgosi Kgosi Buti Mokgosi a tlhalosa fa a lebogela ba khansele potlana ya Ramotswa, go bo ba bonye go le botlhokwa go tlhatlhelela maloko a VDC ka tsamaiso e ncha. Kgosi o kopile maloko ao, go lemoga fa tiro ya bone e le yone konokono mo go tlhabololeng motse, le gone go itshoka le fa dikatso tsa bone e se tsa sepe, a tlhalosa fa nako nngwe madi a tla a bo a le teng. politics 7 Selabe se tla le motsaya kgamelo - Rammidi Mopalamente wa Kanye bokone, Rre Kentse Rammidi a re batho ba dirisa lenaneo la nyeletso lehuma go bula masaka a ba bangwe. Mopalamente Rammidi o buile mafoko a jaaka a ne a araba matshwenyego a kgosana ya kgotla ya ga Mafhikana mo phuthegong ya kgotla e a neng e e buisiwa maabane. A re mananeo a tla a le mantle go tswa kwa pusong, mme bangwe ba a dirise go dira borukutlhi jaaka go supega bangwe ba utswela ba bangwe dipodi go ya go di rekisetsa ba ba thusiwang ka nyeletso lehuma. Rre Rammidi a re batho ba go nna jalo ba kgona go ya go tsena mo masakeng ba olela dipodi,selo se a reng se diphatsa ka go lebega ba ka nna ba gobatsa beng ba dipodi a re kana go ntse go tsewa gore mo masakeng go di a bo di sireleditswe. O bile a bolelela phuthego e gore Palamente e dumalane ka mogopolo wa gore go dirwe ditlhatlhobo tsa boranyane tse di ka supang gore namane eo mmaayo ke ofe go thusa ba bosekisi. Rre Rammidi a re puso e golotse madi a diphaephe tsa kgopo ya metsi a a leswe, a tla a re gape go tlaa gokelwa metsi go tswa kwa Artesia go tla go thusa motse wa Kanye a re mo nakong eno go kabo setse go feditswe ka diphaephe tse tsa metsi a a leswe. A re mo nakong e go sa ntse go emetswe go tsenya malapa mangwe a a neng a tlogetswe, a re se se ka tsaya dikgwedi di ka nna pedi go ya kwa go tse nne. Rre Rammidi a re pego ya mafatshefatshe le supa fa Botswana a latlhegetswe ke P76 billion a re se ke sesupo sa gore tshenyetso setshaba e kwa godimo. Fa a amogela baeng, kgosana Rre Dennis Mosielele o ne a bolela fa borukutlhi bo le bontsi mo ga Mafhikana,a tla a re morafe o tshwanetse go tshwaragana le mapodisi go bo lwantsha,a re mapodisi ga a kake a kgona ba le nosi. Rre Mosielele a re borukutlhi jo bo diragala mo malapeng le mo dikgaolong mme batho ba itira ba ba sa bo boneng, a re ba tshwanetse go bo begela mapodisi ka dinako tsotlhe fa b abo lemoga e le tsela nngwe ya go bo thibela. O bile a re kgaolo ya Mafhikana e na le mathata a matona a a metsi a tota ga a itse gore matsapa di ka tswa di a tsaya kae,a bo a re mangwe a mathata ke diphuthego tse o fitlhelang di laleditswe motho di le tharo ka nako e le nngwe. Phuthego e ne ya leboga mopalamente e re ke lantlha ba bona motho yo o tshwanang le ene yo o kgonang go leboga batho ba ba mo tlhophileng ba bo ba mo eleletsa masego. Rre Kagiso Moleti o ne a re o lebogela puso le mopalamente Rammidi gore ba bo ba rebotse gore boora Seno ba bewe lefatshe go na le go thubelwa jaaka go ne go builwe pele. E re ka jaana go le mo paakanyong ya pulo ya ofisi ya kgotla eo, Rre Moleti o ne a kopa mopalamente go ba thusa ka P1 000 yo ba tlaa mo dirisang mo pulong. Rre Alice Monageng ene o ne a re o tshwenngwa ke kgang ya batho ba e a reng ba sena go bolaya ba bangwe ba bo ba letlelelwa go letela tsheko kwa ntle, a re o ipotsa gore gare go tseneng fa o ka re go bolaya motho go letleletswe jaana. Rre Thabiso Chabalala ene a re BMC ga e na phadisanyo ke sone se go nnang fela go na le tlhakatlhakano teng, a re nako e tsile ya gore go neelwe batho teseletso ya go rekisa nama kwa ntle ga lefatshe leno. economy_business_and_finance 3 "Puso ga e na maikaelelo a go emisa ipelegeng " Mothusa tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse a re ntswa bontlha bongwe jwa madi a lenaneo la Ipelegeng a tlaa diriswa mo ditirong tsa COVID-19, puso ga e ise e tsee tshwetso ya go fokotsa dipalo kgotsa go emisa lenaneo leo. Rre Autlwetse o buile se a tsibogela matshwenyego a modulasetilo wa Khansele potlana ya Ghanzi botlhaba Rre Gabriel Nguahoka kwa Ghanzi ka Labotlhano. Rre Nguahuka o ne a re fa bontlha jwa madi a Ipelegeng a ka dirisiwa go thapa baphepafatsi mo dikolong le bao baba tlaa bong ba beile leitlho go bona gore a melawana ya ipabelalo kgatlhanong le COVID-19 e salwa morago, go tlaa bo go raya gore dipalo tsa Ipelegeng di ya go ya kwa tlase. Rre Autlwetse o ne a tlhalosa gore tlhagogo ya mogare e amile itsholelo ya Botswana , selo se se neng sa patika puso go dirisa madi a Ipelegeng mo ditirong dingwe tsa go leka go thibela kanamo ya mogare COVID-19. A re puso ga e ise e tsee tshwetso ya go fokotsa kgotsa go emisa lenaneo la ipelegeng Mothusa tona a re mo nakong eno puso e bata go sekaseka ditiro tse di dirwang ka lenaneo la Ipelegeng go bona gore a di tswelwa lefatshe mosola . Rre Autlwetse a re ba batla lenaneo la Ipelegeng le dira ditiro tse di nang le boleng, ebile e le tsa sennelaruri. economy_business_and_finance 3 Rre Tshokologo, mo-na-le bogole yo o pelotlhomogi Rre Oganne Tshokologo (68) wa Palapye, ke mo-na-le bogole yo o itshetsa le ba lelwapa la gagwe ka go teratela masimo, dijarata le mabitla. Rre Tshokologo, yo o senang leoto le lengwe, a re madi a a dirang ga a bontsi bope jo bo kalo mme o bone go tshwanela gore a batle mothale wa go thusa ba-na-le bogole ba bangwe mo kgaolong ya Palapye le mabapi. A re ke ka moo a duleng ka mogopolo wa go rulaganya mogwanto o dipoelo tsa one di tlaa thusang bobedi jo a bo kgethileng e leng balwala tlhaloganyo ba ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le masome a mabedi le botlhano. Rre yo, yo e leng moeteledipele wa mokgatlho wa ba-na-le bogole kwa Palapye, a re o gwethilwe ke ka fa ba-na-le bogole bangwe, bogolo thata ba tlhaloganyo ba sotlegang ka teng. “Go ngomola pelo gore bana ba ba Modimo ba bo ba sotlega mo go kanakana. Bontsi jwa bone ba nna ba le makgasa, ba sasankega mo mebileng ba tshwerwe ke tlala,” Rre Tshokologo a tlhalosa. A re se, se ne sa mo ama mme a ipotsa gore o ka dira eng go tokafatsa matshelo a bone mme a rulaganya mogwanto o o tlaa tshwarwang Seetebosigo a ya fifing go kokoanya madi go ba bathusa. A re mogwanto o ka batsaya karolo e tlaabo e le ba-na-le bodole ba bangwe ba bone ba ka sekeng ba kgona go tsamaya sekgele se se leele, o tlaa simolola kwa mapalamelong a dibese mme o felele kwa kgotleng kgolo ya motse. O kopile morafe go tshologela mogwanto o ka dipalo tse di kwa godimo go etleetsa ba-na-le bogole. Rre Tshokologo, yo o nang le bana ba le lesome, a re o tsweletse ka go kopa dithuso gore tiro e e atlege. Keletso a re ke go agela ba a setseng a ba kgethile matlo fa madi a ka lekana, kgotsa go ba rekela tse ba di tlhokang jaaka diaparo fa a se kalo. Rre Tshokologo o rotloeditse ba-na-le bogole go ikemela ka dinao go itshetsa le go dirisa mananeo a puso, a re ga ba a tshwanela go nna fela ba re ba tlaa thusiwa ke mongwe. A re ene le mohumagadi wa gagwe yo le ene a tshelang ka bogole, ga ba a nna fela ba a iphataphatela. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Lephata le itlama go isa ditirelo kwa bathong Lephata la kwadiso ya omang, matsalo, dintsho, manyalo le mekgatlho la re go isa ditlamelo kwa setshabeng ke mmangmmang. E ne ya re mo potsolotsong, Mme Gorata Marapo go tswa kwa lephateng leo kwa Tsabong a bolela fa ba le mo letsholong la go kwadisa batho kwa dikgaolong. O supile fa ba etela mafelo a a mo Kgalagadi Borwa go thusa Batswana ba ba tlhokang dithuso tsa bone. A re maeto a bone a thusa batho ba ba sa kgoneng go tsaya mesepele e meleele go ya go batla dithuso kwa Tsabong. Mme Marapo o supile fa batsadi kwa dikgaolong ba nna ba lela ka letlhoko la madi a go ya go kopa dithusokwa ofising, mme a re go ba latela ke yone tsela ya go isa ditlamelo kwa go bone. A re Batswana ba tla ka dipalo tse di kwa godimo fa ba ba etetse mme ba batla dithuso tse di farologaneng jaaka go dira kana go shafatsa karata ya Omang le go kwadisa le go fetola matsalo a bana. Mme Marapo a re ba leka ka bojotlhe go ruta setshaba ka mosola wa ikwadiso. O supile fa ngwana mongwe le mongwe yo o tsholwang, a ka tswa a tsholelwa mo lapeng kana kwa bookelong, a na le tshwanela ya go kwadisediwa setlankana sa matsalo e bile maina a batsadi a tshwanetswe go kwala le fa batsadi ba sa nyalana. O kaile fa Motswana mongwe le mongwe a tshwanelwa ke go nna le kitso e e tletseng ka botlhokwa jwa Omang le ditlankana tsa matsalo le dintsho. A re se dira gore fa ba tla go kwadisa ba bo ba tlhaloganya se go buiwang ka sone, ka seo se ka dira tiro ya ikwadiso motlhofo. O ne a tlhalosa fa mo molaong Batswana ba tlamega ikwadisetsa ya Omang, matsalo le dintsho mo malatsing a a beilweng. O ne a tlhalosa fa ikwadiso e e le botlhokwa thata ka e supela motho gore ke Motswana ka boammaaruri e bile e ka thusa Motswana go akola meamuso le ditlamelo tsa puso. A re dikgwetlho tse ba kopanang le tsone ke gore setshaba ga se tle ka nako mo diofising tsa kgotla go tla go kopa dithuso. Mme Marapo o re ba rata go tla motshegare mme ba batla dithuso tse dintsi. O supile fa selo se nako e nngwe se dira gore ba boe ba sa thusiwa ka ntlha ya gore ba diofisi tse dingwe ba a bo ba setse ba bolotse. O supile fa a tshwentswe ke ka fa batsadi bangwe ba gogang dinaoka teng go kwadisa matsalo a bana, segolo jang ba ba setseng ba tsena kwa dikelong tse dikgolwane. O rotloetsa batsadi kana batlhokomedi ba bana gore ba simolole go kwadisa matsalo ka nako go itsa go lopiwa dituelo tsa go kwadisa morago ga nako. O ne a tlhalosa gore fa ngwana a na le setlankana sa matsalo e bile a le dingwaga di lesome le borataro a kgona go se dirisa go itshupela a sa tlhoke gore a bo a supelwa ke motsadi. society 9 Re a Nyalana e busa seriti Boitumelo ene ele jo bo kwa godimo, fa banyalani ba ne ba rwesana dipalamenwana kwa moletlong wa Re A Nyalana kwa Nkange mo kgaolong ya borwa bosheng. Re A Nyalana e thusa go sireletsa bokamoso jwa bana mo malwapeng, gammo le go busetsa seriti sa lenyalo gore mme le rre ba tlhomphane. Fa a bua kwa moletlong oo, mogolwane wa lephata le le itebagantseng le dikgang tsa bong, Mme Valencia Mogegeh, a re lerato le tlhodilwe ke Modimo, mme ka jalo, fa go na le dikgoberego mo malwapeng banyalani ba tshwanetse go kopa thuso kwa go ene yo o le tlhodileng. Mme Mogegeh a re lerato ke konokono ya go aga lelwapa; e bile o ne a boa a kopa banyalani gore ba dire ditiro tsa bone ka morero, a tlatsa ka gore tsamaiso ke go gakololana le go itumedisana. O kopile banyalani go nna pelotelele le go nna boitshoko mo go tsotlhe tse ba di dirang, a re ba seka ba dira dilo ka maikutlo, mme ba di dire ka lerato. O ne a tswelela ka gore lerato le kgona go fodisa botsalano jo bo reketlang, a tlatsa ka gore le mo ditsong monna le mosadi ba ne ba tshela ka morero. Mme Mogegeh a re le go tshwantshanya batho ga go a siama ka go ka tsisa diphaapang mo lwapeng. E rile a amogela baeng le benggae, Kgosi Toteng Ndzonga, a supa matshwenyego a go tlhoka tshwaragano le tirisano mmogo ga dikgosi tsa kgaolo ya botlhopi ya Nkange. O kopile dikgosi go dira mmogo le go tshwaraganela ditiro tsa mofuta o ka mowa o le mongwe le ka manontlhotlho gore go nne le maduo a nonofileng; a itumedisa pelo. A re fa a tshwantshanya moletlo oo le wa kwa Changate, go na le pharologano e tona fela thata, se se supang fa batho ba Changate ba ne ba tshwarane e bile ba dira mmogo. Kgosi Ndzonga a re o bone mokgatlho oo wa Re a Nyalana kwa motseng wa Nata, kwa a ileng a tsaya malebela teng, mme a o tsisa mo motseng wa gagwe go thusa morafe. Moletlo oo o ne o tseneletswe ke morafe wa kgaolo ya Tutume ka banyalani ba le masome a supa. BOKHUTLO politics 7 Kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa Mothusa mogolwane mo lephateng la thuto kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Musa Mongana, o rotloeditse batsadi go nna le seabe mo thutong ya bana le go ba bopa gore e nne batho ba ba nang le boikarabelo mo isagong. E rile a bua kwa moletlong wa go tsamaisa baithuti ba lokwalo lwa bosupa sentle kwa Dutlwe bosheng, Rre Mongana a re fa batsadi ba ka itlhokomolosa go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana, ga go na jaaka barutabana ba ka kgona ba le nosi, e bile ga go na maduo ape a mantle a ba ka a ntshang. A re dikole tse di dirang bontle mo dithutong ga se gore di abetswe barutabana ba ba nang le dithuthego tse di kwa godimo go gaisa tse dingwe, mme fela tshwaragano le tomagano magareng ga barutabana le batsadi ke tsone di dirang gore maduo e nne mantle. Rre Mongana a re thuto ke konokono ya botshelo e bile ke teemane e e ka isang botshelo jwa motho kwa mankalenkaleng le go tlhabolola le lone lefatshe, ka jalo e tshwanetse go tsewa ka tlhoafalo ke ba-na-le seabe botlhe e leng batsadi, baithuti le barutabana. O kgadile batsadi ba a reng ba ntsha bana mo dikoleng go ba isa merakeng le kwa masimo go ya go tlhokomela loruo, mme a kaela batsadi fa go dira jalo e le go rontsha bana tshwanelo ya go ithuta gore ba itirele khumo e ba tlaa sekeng ba e amogwe ke ope. Rre Mongana o ne gape a supa ka monwana batsadi ba a reng ba isa bana dikoleng tse dikgolwane mme ba bo ba ya go itshela meriti e tsididi kwa malwapeng le kwa masimo ba sa ba lekole, mme a supa fa seo se dira gore bana ba dire boithatelo. A re go botlhokwa gore batsadi ba tlhaloganye fa botshelo jwa bana bo le mo diatleng tsa bone e le batsadi, mme ba bue le bone ka mosola wa go ikanya thuto ka e le yone fela e e ka tsogang e ba betletse bokamoso jo bo phepa. Go ntse go le foo, Rre Mongana a re dikole tsa kgaolo potlana ya Letlhakeng di lebanwe ke kgwetlho ya kwelotlase ya maduo a baithuti, ka jalo a ikuela mo baeteledipeleng ba dikole, barutabana le batsadi go thulanya ditlhogo go bona gore matsapa di ka tswa di a tsaya kae. O ne gape a itebaganya le bagokgo ba dikole a ba kaela gore fa sekole se na le boeteledipele jo bo nang le boikarabelo, ga se ke se tlhoka go ntsha maduo, ka jalo a ba gwetlha go ititaya ka thupana. A re le dikhamphani tse di dirang thulaganyo ya go ikabela dikole go di thusa mo tlhabololong ya thuto, gantsi di ikgolaganya le dikole tse di dirang bontle ,mme a gakolola dikole tse di mo kgaolong eo go ithekisa mo dikhamphaning ka go ntsha maduo a mantle gore le tsone di akole dithuso. E ne ya re a itebaganya le baithuti, modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng, Rre Thomas Batlhophi a ba lemotsha gore go tsepega mogopolo mo thutong go ka ba isa golo gongwe mo botshelong. A re thuto ke mmanmang mo botshelong e bile ngwana yo o rutegileng ke peeletso ya tlhwatlhwa, ka jalo a gatelela botlhokwa. education 4 Kgokgontsho e tsuulola ya ditshwanelo Mokhanselara wa Lokgwabe, Rre Keagalemang Leshope, a re kgokgontsho ya bomme le bana ke tsuulolo le kgatako ya ditshwanelo tsa bone. Rre Leshope o buile mafoko a mo segopotsong sa malatsi a a lesome le borataro a go lwantsha kgokgontsho kgatlhanong le bomme le bana kwa motseng wa Monong. Rre Leshope a re go tlhoka go sireletsega ke kgwetlho e tona e e phirimisang keletso ya tekatekano ya bong, ka gape go kganela bomme go nna ba phuthulogile le gone go tsaya karolo mo ditlhabololong tsa lefatshe. O tsweletse a re kgokgontsho e diragala letsatsi le letsatsi, e bile dipalo di golela pele le ditsela tse disha tse e tlang kana e diragalang ka tsone. A re se se utlwisang botlhoko ke gore ga gona letsatsi la mahala mo dipolaanong tsa baratani. “A e kare o rata motho wa mmolaya? Ga ke dumele”. Rre Leshope a re ka fa borre ba bolayang bomme ka teng, ba ba kgaola dirwe, ke bosetlhogo jo bo feteletseng. O kopile borre go fetola boitshwaro jwa bone mo go kgokgontsheng bomme le bana. A re borre ba tshwanetse go itse fa bomme le bana ele ditsala tsa bone ka nako tsotlhe, e bile go sena rre yo o ka tshelang a sena mme kana ngwana. Mme Lulu Keitumetse Lekwe, mmereki mo ofising ya bong kwa Tsabong, a re lephata la bone le ne la dira thulaganyo ya go tsena ntlo le ntlwana kwa motseng wa Monong, maikaelelo e le go tlhomamisa gore a batho ba itse ka kgokgntsho le gone gore e raya eng. Mme Lekwe a re ba lemogile fa batho ba sa itse sepe ka mefuta ya kgokgontsho. A re ba itemogetse fa e le kgwetlho mo lephateng la bone go tlhwaafalela kgang ya go ruta batho ka metlhale ya go kgokgontshiwa Mme Lenah Baitirile, mogolwane mo ofising ya bong gone kwa Tsabong, a re lefatshe la Botswana le tsweletse ka go dira melao e e lekang go fedisa kgokgontsho ya bomme le bana; jaaka molao wa kgokgontsho ya mo malwapeng wa 2008 le molao wa bana wa 2009 le e mengwe. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Mapodisi ba tshwenngwa ke go thujwa ga matlo Mookamela mapodisi a Woodhall mo Lobatse Superintendent Moses Kwarare a re ba tshwenngwa thata ke go thujwa ga matlo bosigo mo kgaolong. Superintendent Kwarare o buile jalo mo potsolotsong le BOPA a re mafelo a a amegileng ke PWD, Maipei, Botoka, Woodhall le Pitikwe, mo a reng go supa magodu ao a thuba a batla di-plasma tv, jalo a tlhagisa morafe go nna ba tswetse mabati a matlo, a bone le diokomelabangwe gore go seka ga nna bonolo gore motho yo o kwa ntle a bone gore go na le eng mo ntlung. O gakolola gore matlo a ne a lotlelwa a na le batho, fa go tsamaiwa kana go iwa maitisong. Mo go tse dingwe Superintendent Kwarare a re go thubilwe ofisi ya ditsela le dipalamo mo Lobatse morago ga gore magodu ao a bofe modisadikago mabogo le maoto ka dikgole tsa ditlhako, mme ba ya go mmaya kgakajana le ofisi. Superintendent Kwarare a re magodu ao go bolelwa e le borre ba bane ka palo, tota maikaelelo a bone e ne e le go thuba ba tsaya madi mme ba palelwa ke gone go bula mabeelo ao a madi (safe) mme ba seka ba kgona go tsaya sepe. crime_law_and_justice 1 Monni o abela sekole Monni wa Goshwe mo kgaolong-potlana ya Tutume, Rre Moffat Mabutho o abetse sekole sa Goshwe motshine o o ntsifatsang dipampiri gape o kgona go romela le go amogela melaetsa. Fa a rola motshine oo wa Canon kwa sekoleng seo bosheng, Rre Mabutho a re o gwetlhilwe ke go bona maduo a sekole seo a sa itumedise, mme a lemoga fa go na le sengwe se se ka tswang se tlhaela go tsweledisa thuto ya baithuti, ka jalo a bona go tshwanela go rekela sekole motshine oo. O boletse fa a tswa kgakala a itshwaragantse le dikole tse dingwe tsa Mpiti kwa Matobo le Goshwe ka go abela baithuti ba ba dirileng sentle. Rre Mabutho a re kwa sekoleng se segolwane sa Goshwe, o dumalane le bone gore ngwaga le ngwaga ka nako ya moletlo ya kabo dimpho o tlaa abela baithuti ba ba gaisitseng ba bangwe mo mephatong yotlhe P150 mongwe le mongwe. O ne a gwetlha baithuti go inaakanya le thuto. A re bone ba lesego ka maranyane a ba tokafaleditse tiro ka ba na le motlakase go ka bala go na le bogologolo. O ne gape a kopa baithuti bao go ikgapha mo dilong tse di tlaa ba itayang tsebe. A re tiriso le tlhokomelo ya motshine oo ke gore e le baithuti ba ntshe ga tshwene. Mogolwane kwa ofising ya thuto kwa Tutume, Rre Kenneth Habana o ne a lebogela thotloetso ya ga Rre Mabutho a re se se supa lerato le kemonokeng mo dikoleng tsa Tutume, mme e bile e le motsadi tota yo o itseng botlhokwa le mosola wa thuto mo baneng. Rre Habana a re seo se ba bontsha fa batho ba motse ba amogetse moono wa puso wa go ikabela dikole go di thusa. O ne a supa fa motshine oo o tlaa thiba phatlha ka dikole di lebaganwe ke kgwetlho e tona ya tlhaelo ya didirisiwa mo go amang tiro ya letsatsi le letsatsi ya baithuti. O ne a akgolela Rre Mabutho se a se dirileng. Fa a amogela baeng, mogokgo wa sekole sa Goshwe, Rre Bikani Bengane o ne a bolela fa ba kile ba nna le kgwetlho ya go ntsifatsa dipampiri mo baithuti ba feletseng ba sa kwale ditlhatlhobo ka nako eo. Rre Bengane a lebogela mpho eo a re e tlaa dira pharolaganyo mo sekoleng sa gagwe. O boletse fa maduo a ngogola a mophato wa boraro a tokafetse thata ka ba kgonne go tsaya matshwao a masome a mararo mo lekgolong fa go sobokwa baithuti ba ba fentseng ka matshwao a a botoka. Rre Bengane o ne a solofetsa fa monongwaga ba itlamile go dira go feta ngogola le gone go leka go wela mo seelong se ba se segetsweng ke ba thuto. BOKHUTLO education 4 Ba Good Hope ba kopa katoloso ya kokelo Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Good Hope, Rre Onthusitse Mpofhu o kopile tona wa botsogo le boitekanelo go ba sekasekela go ba atolosetsa kokelo go nna e kgolwane go ka itepatepanya le dipalo tsa banni ba kgaolo ya Good Hope-Mabule. Rre Mpofhu o buile seo fa a Afa tekodiso mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke tona wa botsogo le boitekanelo, Mme Dorcus Makgato ka Labone kwa Good Hope. Rre Mpofhu o ne a tlatsa ka go re, ba tlhaelelwa ke malao a balwetse kwa kokelong le diphaposi tsa balwetse ka jaana bana ba tlhakanela diphaposi le borre le bomme. O ne a re kokelo eo e lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la dikobo le melemo mme e bile baoki ba akgela balwetse diatla. Mo go tse dingwe o ne a kopa tona gore ba buisane le bogogi jwa kokelo go sekaseka dijo tse di apeelwang balwetse ka jaana bangwe ba balwetse ba sa kgone go ja dijo tse di thata. Fa a ba kgwa dikgaba, mookamedi wa kokelo ya Good Hope, Rre Thato Sarona o ne a tlhalosa fa dikobo tsa balwetse di le mokawana mme le gale ba tlaa boa ba tlhodumela gore fa go na le tlhaelo ba di oketse. Mo go ya dijo tsa balwetse, o tlhalositse fa baapei ba apaya bogobe ka dinako tsotlhe gore balwetse ba ba sa kgoneng go ja dijo tse di thata go nne le se ba ka tshegetsang mowa ka sone. Fa a ema banni ka lefoko, Tona Makgato o ne a supa fa kokelo e ka atolosiwa mme selo se se botlhokwa e le gore batho ba tsee boikarabelo ka botsogo jwa bone ka jaana didikadike tsa madi a a dirisiwang mo go ageng dikokelo le dikokelwana di ka bo di dirisiwa mo go atoloseng ditlhabololo tse dingwe tse di tlaa godisang itsholelo ya lefatshe. O ne a tlhalosa fa kago ya phaposi ya bana le go atolosa mhama wa kokelo di le mo lenaneong la ditlhabololo tsa 2018/2019 mme a tshwaela gore letlhoko la madi le na le gore go nne le tiego go simolodisa ditlhabololo jaaka fa di ne di beilwe. Ka jalo o ne a gwetlha morafe go tsaya botsogo jwa bone tsia ka ntlha ya gore puso e tshwentshwe ke go gola ga dipalo tsa balwetse ka ntlha ya malwetse a a sa tshelanweng a a tshwanang le jwa sukiri, madi a matona, bokima le kankere. A re le fa go le jalo, malwetse a a fitlhelwa le mo baneng ba dikole, a re seo ke sesupo sa go tlhoka go ja ka fa tshwanelong ka jaana bontsi bo oja dijo tse di sa siamelamg mebele ya bone. O ne a gwetlha setshaba go rutuntsha bana le ba malwapa a bone ka go ja mo go babalesegileng gammogo le go itshidila mmele go thibela go tsenwa ke malwetse ao. Mo go tse dingwe, Mme Makgato o ne a supa fa puso e santse e tshwentswe ke go gola ga dipalo tsa batho ba ba tshelang ka mogare le mororo puso e ntshitse mananeo le dithuto tse di tseneletseng go ruta batho ka fa ba ka itlhokomelang ka teng go tila go tsenwa ke mogare. Mme Makgato o supile fa borre ba di goga kwa tlhogong ka go nna maoto a tshupa go itlhatlhobela mogare ka jaana bontsi jwa bone ba itlhatlhoba ka bakapelo ba bone, selo se a supileng fa se le borai. O ne supa gore lephata la gagwe le nna le kopa madi a mantsi go feta a mangwe ka maikaelelo a go leka go itepatepanya le go neela setshaba botsogo jo bo faphegileng ntswa go na le tlhaelo ya ditirelo tse dingwe mo lefatsheng. O ne a gwetlha setshaba gore ba fetole maitsholo a bone gore lefatshe le tle le kgone seelo sa mafatshefatshe sa ngwaga wa 2030 gore tshaba ya Botswana e bo e tshela kwa ntle ka mogare wa HIV. O ne a kopa bateledipele ba morafe go tsenya letsogo go thusa ba botsogo go bona gore dithuto ka mogare wa HIV di fetisetswa kwa setshabeng ka kakakretso. Mme Makgato o ne a tlhalosetsa morafe gore ga go ka fa molaong gore mooki a akgele molwetse diatla mme le gale ba tlaa tlhotlhomisa dikgang tsa mofuta oo, a supa fa modiredi a ka tseelwa dikgato tse di maleba fa go ka supagala fa botlhaswa bo nnileng teng mo tirong. O ne a tlaleletsa ka go kopa morafe gore ba ithuse ka go ithekela melemo ka nako e puso e lebanweng ke kgwetlho ya tlhaelo ya melemo. Fa a amogela baeng, motshwarelela bogosi jwa Morolong, Kgosi Botiki Motshegare o ne a bua ka fa go ngomolang pelo ka teng gore malwetse a tswelela ka go tsaya phekelo e sele le mororo dithuto tsa ipabalelo di fetile dithapo tsa leselo, ka jalo a gwetlha morafe go fetola maitsholo a bone gore go tle go nne le diphetogo. Fa a afa malebo, mopalamente wa Goodhope-Mabule, Rre Lotlamoreng Montshioa o ne a supa fa mo kgaolong ya gagwe go santse go na le dikokelwana tse di sa gokelwang motlakase, le jone gammogo le tlhaelo ya dikoloi tsa thuso ya potlako mme se se baya matshelo a balwetse mo diphatseng. BOPA health 6 Moruti o abela magolegwa dibaebele Magolegwa a kgolegelo ya Letlhakane mo kgaolong potlana ya Boteti a abetswe dibaebele ke moruti wa kereke ya Nazareth Church of Botswana kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le bone. E rile a aba dibaebele tseo, Moruti Daniel Khoroguwe o ne a tlhalosa fa baebele e le botlhokwa fela thata ka e le yone e ka fetolang botshelo jwa motho. Rre Khoroguwe a re lentswa magolegwa a tshelela mo kgolegelong e bile ba sa amane gope le setshaba, ba kgathala ka botshelo jwa magolegwa ka ba golagane le bone mo semoweng le mo senameng. Moruti Khoroguwe o ne a kgotlhatsa magolegwa go ikamogela le go rolela matshwenyego a bone mo modimong ka e le ene fela a ka rarabololang mathata a bone.Rre Khoroguwe o ne a bolela fa e le keletso ya motho mongwe le mongwe go dira tshiamo,a tlhalosetsa magolegwa fa mmaba saatane e le ene a tletseng go raela batho le go senya kagiso mo lefatsheng. A re o bone go tshwanela gore a tle go abela dibaebele ka lefoko la modimo le ba kgotlhatsa go nna kutlwelobotlhoko fela jaaka modimo a le kutlwelobotlhoko mo bathong botlhe.O ne a gakolola magolegwa go se itlhoboge mo botshelong ka modimo o kgathala ka matshelo a bone. A re magolegwa ba tshwanetse go tsaya tshwetso ya go neela matshelo a bone mo modimong le go dirisana le badisa magolegwa ka seo se ka fetola matshelo a bone. Mogolwane wa kgolegelo ya Letlhakane Senior Supritendent Gabriel Magole o ne a tlhalosa fa maitlamo a kgolegelo e se go atlhola magolegwa mme e le go fetola matshelo a bone.Senior Supritendent Magole o ne a tlhalosa fa lefoko la modimo e le mpho ya modimo ka jalo magolegwa ba tshwanetswe ke go le bala le go le diragatsa. Rre Magole o ne a leboga moruti wa kereke ya Nazareth go bo e abetse magolegwa dibaebele ka bontsi ja bone ba sena natso, a tlatsa ka gore lefoko la modimo ke lone le fetolang boitsholo ja motho.A re le ntswa magolegwa ba sa kopane le sechaba,seo ga se reye gore ba latlhegile. Supritentendt Magole o ne a gakolola sechaba go amogela magolegwa fa ba tswa mo kgolegelong ka seo se ka tsisa mowa wa tsholofelo mo matshelong a bone. religion_and_belief 8 Tona Kgathi o laela Babirwa Mopalamente wa Bobonong, Rre Shaw Kgathi o lebogetse kemonokeng le tirisano mmogo ya Babirwa mo dingwageng tse a ntseng a ba eteletse pele e le mopalamente. Rre Kgathi yo a neng a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Molalatau le Lepokole bosheng, o laetse banni ba kgaolo eo gore palamente fa e phatlaladiwa, o tlaa bo a sa tlhole a le mopalamente wa kgaolo. A re o amogetse tshwetso e e tserweng ke banni ba kgaolo go bo ba sa mo tlhopha gape go nna moemedi wa bone. Rre Kgathi a re o tsamaya go le boitumelo le kagiso mo go ene ka a bereketse kgaolo ka bokgabane e bile a eletsa gore e tswelele ka go akola ditlhabololo. A re o tlogela Babirwa ba anwa metsi a a tlhatswitsweng a letamo la Thune le le nosang metse ya Bobirwa ka bontsi, gape a digetse ditsela tsa sekonotere kwa Bobonong. Rre Kgathi o supile fa puso e kgonne gape go dira tsela ya sekonotere ya dikhilomethara tse di masome matlhano, e e tshwaraganyang Bobonong le Tsetsebjwe. Mopalamente Kgathi yo gape e leng tona wa itshireletso, molao le thokgamo a re o tsene mo tirong ya bopalamente dikole tsa Bobirwa di sa dire sentle mme a itshwaraganya le barutabana go tlhabolola maduo, bogolo jang a tse dipotlana ka e le tsone motheo. A re o lebogela gore dikole tse dipotlana di dira sentle mme a iteela legofi sa Gobojango gore se bo se tsweletse ka go tokafatsa maduo. A re ka 2016 sekole se, se ne sa bona maduo a 21.6 per cent mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa mme ka 2017 sa oketsa go nna 85.7 fa ngogola se pasitse ka 95.9. Le fa go ntse jalo, o supile fa dikole tse dikgolwane di santse di sa dire sentle mme a kopa gore batsadi le barutabana ba tshwaraganele thuto ya bana go tokafatsa maduo. A re o tsamaya jaana a file bana ba dikole tse dipotlana paka ya sekole ka thuto e le mo pelong ya gagwe. Rre Kgathi a re o kgonne go kopa dithuso gore go agwe kokelo ya Molalatau e mo go yone go tlaa nnang le fa go tlhatlhobelwang bolwetse jwa kankere, fa go fapisediwang teng, kwa batsetsing le diofisi tsa dingaka. A re o tlogelela batho ba Molalatau boswa jo ba ka se keng ba bo tseelwe ke ope. Fa ba tswa la bone, banni ba lebogetse Rre Kgathi tirisanyo mmogo le kutlwano e ba neng ba tshwaragane ka yone ba bo ba mo eleletsa tse dintle go ya pele mme ba kopa gore a nne a ba gadime a ba thuse ka megopolo e e tlaa isang kgaolo golo gongwe. politics 7 Morafe o nyoretswe ditlhabololo Morafe wa metse ya Maitengwe, Dagwi, le Changate mo kgaolong potlana ya Tutume e rile bosheng ba lekodisa mopalamente wa kgaolo ya Nkange, Rre Edwin Batshu, ka matshwenyego a ba kopanang le one mo metseng ya bone ka go farologana. E rile a amogela baeng le beng gae, Kgosi Gabadzo Jackson wa motse wa Changate, a re ga ba a tsoga ka tsela e e tshwaraganyang motse wa Changate le Nkange, ka e baya matshelo a bone mo diphatseng. A re, tsela eo e baka dikotsi ngwaga le ngwaga, jalo ba kopa gore e tshwelwe sekontere. Kgosi Jackson o tsweletse a re, tsela eo gape, e tsaya lobaka lo loleele e sa gopiwe ntswa ba tshephisitswe gore e tla nna e gopiwa kgapetsa-kgapetsa. A re, ga ba na koloi ya kgotla le fa e le ya kokelo, jalo a kopa puso gore e ba sekegele tsebe mo letlhokong leo. O boletse gore go nale letlhoko le le kwa godimo la boroko jwa badirela-puso, a tlatsa ka gore le one madi a a fiwang ba ba berekelang kwa dikgaolong tse di kgakala le ditlhabololo, ga ba a bone. Kgosi Jackson o tlhalositse gore motse wa Changate o kgakala le ditlamelo, ka jalo o tshwanelwa ke gore badirela-puso ba ba berekelang teng ba fiwe madi ao. Le fa go ntse jalo, Kgosi Jackson o lebogetse motlakase o o phatlaladitsweng le motse. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo wa motse wa Dagwi Rre Otlogetse Gobela, a re, ga ban a koloi ya kokelo, mme se, ke sekgoreletsi mo baoking ka go sena se ba se dirisang go isa balwetse kwa sepateleng. Rre Gobela o tlhalositse fa terata e e kgaoganyang mafudiso e fedile mme a kopa puso go ba fa seporo go thibela dikgomo go tlola. O lebogetse mananeo a puso ka go farologana a re, puso e a leka go ba thusa , mme a tlatsa ka gore le bone fela jaaka ba Changate ba lela ka letlhoko la koloi ya kokelo le ya kgotla. Modulasetilo wa motse wa ditlhabololo wa Maitengwe Rre Tiapo Tshara ene o ikuetse ka morafe wa Zimbabwe, yo a reng o setse e bile o ba hupetsa ka dipalo tse di kwa godimo. Rre Tshara a re, matlo a bone a komiti ya ditlhabololo tsa motse ga a dire dipoelo ka badirela- puso ba ba nnang mo go one ba kolota madi a fetang dikete tse di robang bobedi tsa dipula. Rre Batshu o arabile mangwe matshwenyego a bone ka gore puso e santse e tlhaelelwa ke madi, ka jalo e tla dira gotlhe mo e ka go kgonang go gopa ditsela. A re, mo kabong ya madi ya lefatshe, ga gona tsela ya Changate kana ya Dagwi e e tla a tshelwang sekontere go fitlhelela itsholelo ya lefatshe e tokafala. Mo go tse dingwe a re, palamente e fetisitse melao e mabedi ya go letlelela megala ya lotheka go ka fa bosupi kwa kgotla tshekelong. Rre Batshu a re, molao o mongwe o o fetisitsweng ke wa go baakanya tlhakanelo dithoto tsa banyalani. Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Lephata le eme sejaro Moanamisa mafoko wa lephata la temo-thuo kwa Serowe, Rre Felix Mothatego, a re lephata la gagwe le seegetse kwa thoko P610 million go dirisiwa mo lenaneong la ISPAAD mo ngwageng wa temo wa 2015/16. O boletse mo potsolotsong gore motho mongwe le mongwe yo o tlaa dirisang maikaelelo a mmuso a go lema ka ditselana o tlaa lemelwa ditema tse tlhano le go fiwa dipeo le melemo e e bolayang diji mahala, mme a bolela fa ba ba sa lemeng ka ditselana bone ba tlaa thusiwa ka dipeo tse e seng tsa mmoulo. Rre Mothatego a re le ntswa pula e ise e phaile, lephata la gagwe le setse le rometse dipeo mo dikgaolwaneng tsotlhe tsa kgaolo ya Legare e bile a bolela fa balemi bangwe ba setse ba kgwarintse lefatshe mo meshanshanyaning ya bosheng gore mmu o kgone go somarela bokgola fa dipula di na. O tsweletse ka go tlhalosetsa ba dikgang fa ba setse ba kwadisitse beng ba ditshukudu tsa temo mo kgaolwaneng ya Serowe ba le 168 le ba ba rekisang dipeo, menontshane le melemo e e bolayang diji ba supa. A re o kopa balemi botlhe ba ba tlaa thusiwang ka lenaneo la ISPAAD mo temong ya monongwaga go nna teng fa beng ba diterekere ba lema masimo a bone e bile a ba gakolola go lema dijwalo tse di bogadi bo gaufi jaaka dinawa, ditloo, letlhodi, manoko le dijo tsa loruo di tshwana lab lab. Rre Mothatego o rile le ntswa ba tsweletse ka go tsaya dipalo tsa thobo ya ngogola, o na le tlhobaelo ya gore fa dipula dika seka tsa phaila thobo eo e ka seka ya lekana go jesa tshaba ya lefatshe leno mo dipakeng tse di tlang. A re le ntswa dipula di ise di phaile, letsema le tshwanetse go tswalelwa kgwedi ya Hirikgong e le masome a mararo ngwaga o o tlang mo dikgaolong tsa borwa jwa lefatshe leno fa kwa bokone jwa lefatshe leno le tshwanetse go tswalelwa kgwedi ya Tlhakole e le lesome le botlhano ka 2016 economy_business_and_finance 3 Kgang ya polasi e tlaa wela - Kwerepe Banni ba Somelo mo kgaolong ya Bokone Bophirima ba boleletswe fa kgang ya gore ba thusiwe ka go teratelelwa nngwe ya dipolasi e tlaa wediwa mo bogaufing. Mothusa tona wa thuto go tswa kwa moding, e bile e le mopalamente wa Ngami, Rre Thato Kwerepe o boletse jalo mo phuthegong ya kgotla a supa fa kgang e e tswa kgakala. O boletse fa a ne a ikgolaganya le tona yo o maleba, mme a supa fa mo bogaufing a tlaa etela banni go rarabolola kgang eo. Banni ba motse oo ke Basarwa, mme ba akola meamuso ya puso jaaka go neelwa leruo le go sielwa metsi. Banni ba ne ba ikuela mo go tona mo diphuthegong tse di fetileng, ba kopa puso go ba teratelela nngwe ya dipolasi gore ba kgone go ruela mo go yone. Rre Kwerepe a re o dumela gore fa ba ka thusiwa ka polasi eo, go tlaa dira gore dikgomo di tswe mo motseng, a tlatsa ka go re go ka ba thusa gape go bona dipoelo tse di botoka ka nako ya thekiso, mme ba kgone go tlhabolola matshelo a bone. O boletse fa dikgang dingwe di tsaya nako gore di wediwe, mme a kopa banni go nna pelotelele le go nna ka tsholofelo. O ne a supa sekai ka kgang ya go simolodisa motse wa Xhorotsha, a re o na le tsholofelo ya gore e tlaa wediwa. A re maikaelelo a puso ke gore banni ba lese go bereka kwa dipolasing ba tlhokomele leruo la bone. Banni ba ne ba lela gape ka tsela e e golaganyang motse wa bone le Maun, ba re seemo sa teng ga se jese diwelang, mme mothusa tona o ne a dumalana le bone ka kgang eo. A re puso e dira maiteko go ntsha mananeo le ditiro, sebe sa phiri ke badiragatsi ba mananeo le ditiro ka jaana ba sa dire se se dumalanweng. Rre Kwerepe a re bothata jwa tsela eo ke gore go dirisiwa mebu e e senang boleng le ntswa go na le mebu e e nonofetseng go ka dirisiwa mo metseng e tshwana le Bodibeng le Bothatogo gore tsela e itsetsepele lobaka. O tlhalositse fa bomankge ba ditsela e le bone nang le mosi wa kgong tse di metsi ka jaana ba dumalana le boradikonteraka gore ba dirise mmu o o senang boleng le ntswa ba ka bo ba ba gakolola gore ba dirise dilo tsa boleng jo bo rileng. O ne gape a supa fa a sa itumelele go utlwa fa baithuti ba sekole sa bananyana ba sena mo ba kwalelang teng. A re puso e simolodisitse dikole tseo ka e lemoga fa e le matlhagola tsela mo thutong. E ne e rile go le pele, Kgosi Mokhutshwane Komee a kopa gore kgang ya polasi e itlhaganelelwe ka jaana e ka ba thusa go lwantsha lehuma le tlala. O ne a fa sekai ka polasi ya East Hanahai kwa kgaolong ya Ghanzi, a re banni ba tshela sentle e bile ba kgona go aga le one matlo a bodiredi. A re ga ba batle go ikaega ka dithuso tsa puso fela, mme ba batla go bonala ba nna le seabe mo tlhabololong ya motse wa bone. Kgosi o ne a lela ka tlhaelo ya boroko jwa badirelapuso, a tlhalosa fa go le gantsi ba thusiwa ke badiri ba ba tswang Maun le Makalamabedi. society 9 Banni ba batla tsela ya masimo Kgosi Ramonananyana Bolebano,o boletse fa ba sa le ba kopa gore ba bulelwe kgoro mo tseleng ya masimo ya Mokgosi, ka gore ga ba na fa ba tlolang teng fa ba ya masimo, ba tshwanelwa ke go ya kwa Otse, ba bo ba boela kwa morago ka ntlha ya go tlhoka heke fa seporong. Mafoko a, a dule kwa phuthegong ya kgotla kwa kgotleng ya Goo Kobue kwa Ramotswa, e e neng e biditswe ke mopalamente wa kgaolo Rre Samuel Rantuana. Erile a lekodisa ka tsa ditlhabololo tsa motse modulasetilo wa VDC Rre Effie Kereng, a tlhalosa fa ba tshwenyegile ka ntlha ya ditsela tse ba di solofeditsweng tsa mo motseng, a bolela fa itsholelo e supagala fa e tokafala, mme go le botlhokwa gore di dirwe. O boletse gape fa mafuti a metsi a kgopho ya metsi a a leswe, e a tshwenya ka e sale e epilwe, mme go sa supagale fa a tlaa tsweledisiwa. O tlhalositse gape fa ba tshwenngwa ke ba kompone ya Water Utilities Corporation, ka gore ga ba ke ba ba tlhalosetsa fa metsi a tlaa kgaolwa, selo se se dirang gore batho ba nne malatsilatsi ba sena metsi. Rre Kereng o boletse fa ba tlhoka matlwana a boitiketso mo dikgotlaneng tsa bone, a bo a tlhalosa fa a tshwenngwa ke magodu a a thubang ofisi ya bone ya VDC, selo se a tlhalosang se ba busetsa kwa morago. Mopalamente Rre Samuel Rantuana, o ne a tlhalosa fa ba dumalanye kwa palamenteng gore ditogamaano tsa bolesome di tswelele ka ngwaga, ka jaana ba batla tebelopele e ntsha ya setshaba ya ditogamaano tsa lesome le bongwe. O boletse fa lekgetho la VAT le ntshitswe mo dijong dingwe jaaka phaleche, setampa, borotho, sukiri le mashi, a bolela fa sebe sa phiri e le gore ga go na yo o elang seemo tlhoko gore molao oo o a diragadiwa. O boletse fa mo go tse dingwe, palamente e dumalanye gore kereke e kwadisiwe ka batho ba lekgolo le masome a matlhano. Bokhutlo. politics 7 Kenewendo o akgola banana Tona wa Peeletso, Papadi le Madirelo, Mme Bogolo Kenewendo o rotloeditsa banana go tsena ka mashetla mo mererong ya kgwebo ka maikaelelo le maikemisetso a go tlhabolola le go fetola itsholelo ya lefatshe. O buile jaana morago ga go abela banana ba le 322 ba ba neng ba tsene ithuthuntsho ya kgwebo ditlanka kwa Palapye. Tona Kenewendo a re o bona banana ba ititeile sehuba go tsisa diphetogo mo matshelong a bone ka go itlhamela ditiro ba bo ba thapa ba bangwe. A re banana ba tshwanetse go nna le lesokolela la go batla go ipona ba le kwa mankalankaleng, ka e bile puso e ba eme nokeng go itshimololela dikgwebo ka mananeo a a farologaneng. A re ba tshwanetse go lemoga pharologanyo fa gare ga madi a kgwebo le madi a mong wa kgwebo. Tona a re lenaneo la Economic Diversification Drive (EDD) ke lengwe la matshego a a yang go tshegetsa go nna teng ga dikgwebo tsa mono gae. A re seo se ka kgonega fa beng ba dikgwebo tse di setseng di itshetletse ba ka ikatumetsa banana. Mme Kenewendo a re nako e tsile gore lefatshe leno le ntshe tse di dirilweng mono gae ka bontsi tse gape di ka sosoetsang tsa bo tsa ema nokeng sekano sa lefatshe leno le go le rekisa kwa mafatshing a sele. Tona o ne a ama maitlamo a 2036 go fetola ka fa Batswana ba akanyang ka teng mo go itshimololeleng dikgwebo le go di itsamaisetsa. A re puso e le nosi ga e kake ya kgona. O ne a gatelela botlhokwa jwa go tshwaraganela dikgwebo, a re wa o esi ga o ele, e bile lerothodi le le lengwe ga le kake la tlatsa letamo. Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa Palapye, Rre Moisareela Goya o ne a kgothatsa banana go nna pelo telele fa ba simolola dikgwebo. Mothusa tona, yo gape e leng mothusa tona wa papadi le madirelo, a re batho ga ba kgone go itshokela kgwebo mme ba kgona go itshokela go bereka. A re gore kgwebo e eme ka dinao e tlhoka dingwaga di ka nna tharo go ya kwa go tse tlhano. A re banana ba seka ba iphitlhela ba latlhegetse mo bodireding, e se batlhami ba ditiro. O supile fa puso e itlamileng go tokafatsa le go repisa dikgole mo go direng dikgwebo mme ke gone ka moo lephata la gagwe le neng la itlhaganelela go tokafatsa molao wa go kwadisa dikompone, go kwadisa dikgwebo, paakanyo melawana ya dikompone le kwadiso ya maina a dikgwebo. A re tona ya madi le ditlhabololo o ne gape a tlhalosa gore mananeo le melawana eo di a go tlhoka go selwa morago ke bagwebi. economy_business_and_finance 3 Orapa Golf Club e abetse batlhoki Mokgatlho wa Orapa Golf club e abetse batlhoki ba Xere mo kgaolong potlana ya Boteti dijo le melora e e lopileng madi a kana ka P7 000 ka mosupologo kgwedi eno e le malatsi a le masome a mabedi le borataro kwa Xere. E rile a aba dijo tseo, mongwe wa maloko a mokgatho oo, mme Christina Moloi yo gape e leng kgosi wa Orapa o ne a tlhalosa fa mokgatho oo, o simolotse go otlololela letsogo mo bathing ba ba tlhokileng lesego ka ngwaga wa 2012 o ya fifing. Mme Moloi a re mokgatho wa bone o itebagantse le go abela batlhoki ba ba sa kwadisiwang ka fa tlase ga lenaneo la boipelego kaba lemoga ba tlhaela mo go itshetseng le ntswa ban a le bokgoni ja go itshetsa. O ne a tlhalosa fa Orapa Golf club e kgwile dikgaba boikuelo jag a tautona mo setshabeng mo dikomponeng tse di ikemetseng kabo nosi le setshaba ka kakaretso wa go thus aba ba tlhokileng lesego mo setshabeng le agela bao b aba senang boroko. A re botlhoki bo tlosa motho seriti ka jalo ba bone go tshwanela gore e le mokgatho ba busetse batlhoki bao seriti ka go ba abela dijo le melora,a tlatsa ka gore Motswana mongwe le mongwe o tshwanelwa ke go nna le seriti. Mme Moloi o ne a tlhalosa fa mokgatho wa bone o ikaelela go abela batlhoki ba metse e mengwe le go ba agela matlo mo isagong. Mmaboipelego wa Xere mme Oesi Matlotleng o ne a leboga ba mokgatho wa Orapa Golf Club go bo ba abetse batlhoki bao,a tlatsa ka gore go abela b aba tlhokileng lesego mo setshabeng go ka fetola matshelo a batho. Mme Matlotleng o ne a re le ntswa puso e ntshitse mananeo a a tswhanang le la Limid, a a ka ntshang Batswana mo lehumeng, o ne a tlhalosa fa bangwe ba batlhoki ba itshetsa ka leruo le ba le tsereng ka lenaneo la Limid le sa atlege ka ntata ya tlhaelo ya metsi mo miotseng wa Xere. O ne a rotloetsa dikompone,sechaba le makalana a a ikemetseng go gata motlhala mokgatlho oo,ka go otlolola letsogo la thuso mo go b aba tlhokileng lesego mo sechabeng. society 9 Monana o gweba ka maphoi Batho ka bontsi ba dumela mo thuong e e bogadi bo gaufi kana dikgwebo tse di tsenyang madi ka bonako. Mo monaneng yo o dingwaga tse di masome mabedi le botlhano, Rre Tirafalo Moipolai wa kgotla ya Molehele kwa Letlhakeng, thuo ya maphoi e a mo tshetsa. Rre Tirafalo o feditse mophato wa botlhano kwa sekoleng se segolwane sa Shoshong mme go fitlhela gompieno a le kwa sekoleng sa ithutelo ditiro o ntse o tsweletse le thuo ya gagwe ya maphoi a sekgowa. “Ke simologile le thuo ya maphoi a sekgowa ka ngwaga wa 2012 ke reka a le mabedi,le le namagadi le le le tonanyana ka tlhwatlhwa ya P40 lengwe le lengwe” ga bua Rre Moipolai. O tsweletse a kaya fa maphoi ao a gagwe a atile mme mo bogompienong a na le maphoi a le masomemabedi le bobedi.Thuo ya maphoi a sekgowa mo go Rre Moipolai o boletse fa a ne a simolodisiwa go ruwa ke bontle jwa maphoi ao le bonolo jwa one, a re maphoi a sekgowa a bonolo ebile a rata bophepha. Maphoi a ga Rre Moipolai a nna mo ntlwaneng e e dirilweng ka botswerere e na le se a ka robalang mo go sone. “ke dirisa ditshitswana tse dikgologolo go direla maphoi a me dintlwana tse a ka beelang mae mo teng” ga tlhalosa Rre Moipolai. O tsweletse a kaya fa gape maphoi ao a tlwaela mong wa one le go mo itse, ka jalo a re le fa a goroga a sale a tsamaile, ga a mo lebale ebile a mangwe a kgona go mo palama mo tlhogong mme seo se mo jese monate. A re gantsi maphoi a sekgowa a ruelwa go kgabisa mo lelwapeng. O kaile fa gape maphoi a gagwe a kgona go fofa a tsamaya mme a ka seke a lebale kwa a nnang teng. A re gape maphoi ao a itsalantse le dikoko tsa mo ga bone ebile a thusa le go koba segodi se se jang dikokwana. Rre Moipolai o tsweletse a tlhalosa fa thuo ya maphoi a sekgowa e sa ture ka maphoi ao a a ja mabele ebile a kgona le go tsamaya a selasela mo nageng. Fa a tlhalosa ka go itshetsa ka thuo ya gagwe, Moipolai a re o rekisa lephoi le le lengwe ka tlhwatlhwa ya P50 mme seo se mmusetse thata ka a kgona go rekisa maphoi a le matlhano mo kgweding mme a itirele sengwe ka madi a teng le gone go a rekela mabele. Rre Moipolai o ntshitse matshwenyego a a amang thuo ya gagwe e le batho bangwe ba ba bolayang maphoi a gagwe fa a ile go selasela gosele a re seo se fokotsa go oketsega ga maphoi a gagwe. O ne a wetsa ka go gwetlha banana go tswa ka methale e ba ka itshetsang ka yone go fokoletsa puso morwalo. economy_business_and_finance 3 Sepodisi se akgola morafe wa Bobirwa Mapodisi a Bobonong a akgoletse morafe wa kgaolo ya Bobirwa go bo ba ne ba itshwere sentle ka malatsi a boipuso. Mothusa ramapodisi a Bobonong, Assistant Superitendant Nshaki Mabophiwa o tlhalositse mo potsolotsong, fa boitshwaro jwa setshaba e ne ele jo bo eletsegang ka malatsi a boipuso. Rre Mabophiwa o boletse fa go nnile le ditiragalo dise kae tsedi diragetseng mo malatsing a. Mothusa Ramapodisi o tlhalositse fa go nnile le kotsi ya dikoloi dikilomethara di ka tshwara lesome gotswa mo Bobonong. Kotsi e, e ne ele ya koloi ya modiro wa Toyota Corolla le Toyota VVTI tsedi neng ditswa Selebi Phikwe di ya Bobonong. Mothusa Ramapodisi a re koloi e nngwe e ne ya thula e nngwe kwa morago mme dikoloi tse tsa pitikologa. Rre Mabophiwa a re go tlhokafetse monna wa dingwaga tse masome a mabedi le motso yoo neng a kgweetsa koloi ya modiro wa Toyota VVTI. Bapagami ba bangwe bane ba bona dikgobalo tsedi masisi ebile ba robaditswe kwa kokelong ya Nyangabwe, Mahalapye le kwa Marina fa yo mongwe yoo neng a bone dikgobalo tsedi potlana a robaditswe mo kokelong ya Bobonong. Mo tiragalong e nngwe, Rre Mabophiwa o tlhalositse fa magodu a ne a thuba kwa Sebata Kgomo Lodge mo Bobonong mme ga utswiwa madi aa ka tshwarang dikete tse thano le makgolo a boferabongwe a dipula ( P 5 900). A re gago ope yoo tshwerweng mo tiragalong e mme ditlhotlhomiso tsa mapodise di tsweletse. Rre Mabophiwa o galaleditse beng ba madirelo a dibara go bo bane ba obamela melao ya thekiso ya bojalwa le ya go tsosa modumo. Rre Mabophiwa a re Babirwa ka kakaretso bane ba itshwere sente mo malatsing a boipuso ebile ofisi ya bone e eletsa go bona se se diragala gape ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha. Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Ba Otse ba kgotlhadiwa go shafatsa manyalo Banni ba Otse mo kgaolong ya Shoshong ba kgothaditswe go shafatsa manyalo a bone gore ba kgone go neelwa ditlankana tsa manyalo go supa fa ba nyalane kafa molaong. Kgotlhatso e dirilwe ke Kgosi Boithamako Keipone mo lonyalong la kgosana ya kgotlana ya Kgaimena Rre Gaosotwe Masole le mohumagadi wa gagwe Mme Godiramang Tsietso, ba go bolelwang ele batho ba ntlha kwa motsing wa Otse go nyalana kafa molaong le go nna le setlankana sa lonyalo. Kgosi Keipone o boleletse mo potsolotsong gore lefa batsadi ba motse wa gagwe bana le dingwaga ba ntse ba nna mmogo e bile ba tshotse bana mmogo le go nna le malwapa e bile bangwe ba bone ba ntshitse magadi, se be sa phiri ke gore batho ba motse wa gagwe ga bana ditlankana tsa manyalo go rurufatsa fa ba nyalane kafa molaong. A re go nna mmogo ga batho ba sa nyalana e bile bana le malwapa go rontsha bana tshwanelo ya go akola ditshwanelo tsa batsadi ba bone fa ba setse ba tlhokafetse kana batsadi ba bone ba kgaogana ka jaana ba masika ba kgona go gana ka dithoto tseo ka seipatlo sa gore batho bao ga ba nyalana kafa molaong ntswa bangwe ba bone ba ntshitse magadi e bile bana le malwapa mmogo. Kgosi Keipone yo a neng a akgolela Rre Masole le mohumagadi wa gagwe go nna sekao mo motsing wa Otse ka go nna batho ba ntlha go nyalana kafa molaong le go nna le setlankana sa lonyalo, o rotloeditse morafe wa gagwe segolo jang ba ba setseng bana le bana le malwapa e bile ba ntshitse magadi goya go shafatsa manyalo a bone ka go nyalana mo makgotleng a setswana kana kwa ga molaodi le mo dikerekeng ka le tsone di kgona go ntsha ditlankana tsa manyalo. A re gole gantsi batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana ntswa bana le bana eyare go hulareng ga bone, bana ba bone ba sale ele dikhutsana ntswa batsadi bana le dithoto tse bana bao ba ka itshetsang ka tsone jaaka dikgomo, dipodi, malwapa le masimo a gantsi a ikgagapelelwang ka ba masika. Kgosi o tsweletse ka go tlhalosa fa dingwe tse di tshwenyang ga baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana ele dipolaano tse go tweng ke tsa marato tse phelelong ya tsone di phuaganyang bana ele masiela kana batlhoki mo go pateletsang puso go tlhokomela bana ba go nna jalo. A re fa baratani bangwe le bangwe gammogo le banyalani bane ba ka nna le seabe sa go tlhokomela bana ba bone, madi a dirisiwang ke lephata la boipelego go tlhokomela bana ba masiela ane a ka dirisiwa mo ditirong tse dingwe tsa ditlhabololo society 9 BDF e thusa sekole sa Gathwane Masole a Botswana, a kampa ya Peace Support Training Centre kwa Rakhuna le ba Junior Command and Staff Course, ba abetse sekole se sebotlana sa Gathwane kwa kgaolong ya Ngwaketse Borwa ntlolohalahala e ba sa tswang go e tlhabolola le tshingwana ya merogo semmuso. E rile a ba abela dithuso tseo, Kgosikgolo ya Barolong, Kgosi Lotlamoreng Lotlamoreng II, a lebogela borre ba sesole go bo ba tlhophile go ithaopela go nna le seabe mo ditlhabololong tsa motse wa Gathwane bogolo jang ka motse oo o ntse e kare o ne o lebalesegile thata. Mogolwane wa sesole, yo o neng a eteletse pele tiro eo, Lt. Col Chris Ramogaladi, o tlhalositse gore ba ne ba tlhopha sekole sa Gathwane ba lebile gore madi a ba a kgobokantseng a ka lekana go thusa go tlhabolola holo le go aga terata ya tshimo ya morogo ba bo ba e lema. A re ba ne ba lemoga gape gore go thusa sekole go ka solegela batho ba le bantsi mosola ka bana botlhe ba motse le ba ba iseng ba tsene sekole ba tsile go solegelwa mosola ke ditlhabololo tseo. O boile gape are ba ne ba rekela bana ba sekole seo ba ba dikobo dikhutshwane paka ya sekole. Mogolwane wa tsa thuto wa Goodhope, Rre Basil Ncaagae, o ne a kopa gore holo e le tshingwana ya merogo di somarelwe gore di solegele sekole le morafe molemo. A re o lebogela mogopolo wa lephata la thuto le tlhabololo ya dikitso wa gore dikompone le batho ka bongwe ka bongwe ba ikabe ka dikole go di thusa. Mogokgo wa sekole Mme Sarah Letsholo, o lebogetse dithuso tseo, a tlhalosa gore baithuti ba lekwalo la bosupa ba ntse ba sokola ka nako ya ditlhatlhobo ba patelesega go kwalela mo matlwaneng a borutelo, ba pitlagane. BOKHUTLO society 9 Mapodisi a golotse batho ba ba neng ba tshwerwe Batho ba le masome a mabedi ba e rileng bosheng ba tshwarwa ke mapodisi a Sojwe mabapi le go senya dikago tsa mmuso kwa Otse jaanong ba golotswe. Mogolwane wa mapodisi a kgaolo ya Molepolole, Senior Superintendent Kevin Mookodi, o boletse mo potsolotsong gore batho bao, ba e leng banna ba le lesome le bobedi le basadi ba robabobedi ba tshwerwe kgwedi eno e le lesome le bone ba sena go thuba diofisi tsa lekgotla la Setswana ka dipelaelo tsa gore batho bangwe ba motse oo ba ka tswa ba itse sengwe ka bana ba ba ntseng ba nyelela mo motsing oo. Superintendent Mookodi a re le ntswa batho bao ba golotswe, ba tlaa isiwa kwa kgotleng ya ditsheko go ya go lebisiwa molato wa go senya dithoto tsa mmuso, mme a re fa ba ka bonwa molato ba ka latlhelwa dingwaga tse tlhano mo kgolegelong mongwe le mongwe wa bone. Batho ba le masome a mabedi ba ne ba tshwarwa ke mapodisi kwa Otse mo kgaolong ya Legare morago ga gore ba thubakake dikago tsa mmuso ka matlapa ka dipelaelo tsa gore bana ba ba ntseng ba nyelela kwa motsing oo ba dirisiwa mo diphekong. Fa dikgang di eme jalo Kgosi Boithamako Keipone wa Otse o bolela fa dikago tse di neng di sentswe ke batho ka nako ya mekubukubu jaanong di baakantswe a ba a tlhalosa fa seemo se boetse mannong kwa motsing wa gagwe. Kwa Mahalapye, mapodisi a tsweletse le ditlhotlhomiso mabapi le go nyelela ga leoto la monna mongwe wa Chadibe yo go bolelwang leoto la gagwe la moja le nyeletse fa a ne a beilwe kwa setsidifatsing. Rre Raijane Kwantle o ne a bolokwa kgwedi eno e robabongwe morago ga ditumelano magaring ga ba losika le sepodisi. crime_law_and_justice 1 €˜Matlhophelo ga a tswalwa ka nako’ Mosupi mo kgannyeng e Rre Mogalakwe Mogalakwe a ngongoregelang maduo a ditlhopho tsa kgaolwana ya Mosolotshane/Moralane a re ga se nnete gore matlhophelo a sekolo se se botlana sa Moralane a tswetswe metsotso e le masome a mararo morago ga nako ya bosupa. Rre Oitisitse Dikhuhang o tlhaloseditse kgotla kgolo ya ditsheko ya Gaborone ka Mosupologo gore matlhophelo a tswetswe metsotso e le metlhano pele ga nako ya bosupa mo maitseboeng. A re motsamaisi wa ditlhopho o ka nna a ganetsa se a se buang, a dira jalo go iphemela ka a tshaba molato. Rre Dikhuhang o supile gore morago ga nako ya borataro, go ne ga tshologa pula ya matlakadibe, mme ya kgaotsa metsotsonyana pele ga nako ya bosupa, mme go ne ga seka ga okediwa nako ya go tlhopha. A re jaaka molebeledi wa ditlhopho mo boemong jwa ga Rre Mogalakwe, o ne a romilwe go tlhoma matlho sepe fela se se ka kgoreletsang tsamaiso ya ditlhopho. O tsweletse a supa gore mongwe wa batho ba ba neng ba belaetsa ke Rre Bajeleng Kaodimba, ka jalo o ne a tswelela a lebeletse metsamao ya gagwe. O tlhalositse gore Rre Kaodimba o ne a kopa batlhophi gore ba tlhophe monana, e seng monnamogolo. E rile mmueledi wa gagwe, Rre Patrick Kgoadi a kopa gore a tlhalosetse lekgotla gore monana le monnamogolo e ne e le bo mang kwa ditlhophong tseo, a tlhalosa ka gore; ‘monana e ne e le ntlhopheng wa phathi ya BDP, Rre Kesebelwang Gaorongwe fa monnamogolo e ne ele Rre Mogalakwe.’ O tsweletse a tlholosa gore morago ga gore matlhophelo a tswalwe, go ne ga tsoga modumo wa batho ba ba neng ba kokoanye kwa kgorwaneng ya sekolo, bangwe e le ba ba neng ba ngongoregela gore ba tswaletswe kwa ntle ba ise ba tlhophe, ka jalo maikalelo a bone e le go tlhakatlhakanya tsamaiso gore ditlhopho di tle di tshwarwe sesha. Rre Dikhuhang a re batho ba ba neng ba tsositse tlhatlharuane eo, ba ne ba le makgamu mabedi, bangwe e ne ele ba ba lwelang gore Rre Kaodimba a ntshiwe mo matlhophelong. “Ba ne ba re ka gore Rre Kaodimba o letlelelwa go dira go kgona le go rata, le bone ba letlelelwe go tsena mo matlhophelong ba theole lebokoso la ditlhopho gore go tle go tlhophiwe sesha. A re Rre Mogalakwe le Rre Selotlegeng ba ne ba kgalema ba ba neng ba leka go tsena mo matlhophelong ka dikgoka. E rile a botsolotswa ke mmueledi wa lekgotla la ditlhopho, Rre Otsile Rammidi, Rre Dikhuhang a tlhalosa fa a godisitswe ke Rre Mogalakwe. “Ke sale ke nna le ene ke le monnye, ka bereka mo go ene ke kgweetsa terekere. Ke ne ka nna le ene go filthela ke gola ke kgona go iperekela. Batsadi bame ba ne ba lemogile gore o ka kgona go nkgodisa botoka a mpha maele a botshelo,” a tlhalosa. O tsweletse a tlhalosa gape gore le ka nako ya fa a bereka kwa Botswana Railways, o ne a tswelela a nna le Rre Mogalakwe. Rre Dikhuhang a re maikaelelo a gagwe ke go thusa Rre Mogalakwe go atlega mo kgannyeng ya gagwe. “Ke nnete o nkopile gore ke mo thuse ka go ntsha bosupi jo bo emang nokeng kgang ya gagwe,” a bolelela lekgotla E rile a botsolotswa ke mmueledi wa Botswana Democratic Party, Rre Busang Manewe, Rre Dikhuhang o ne a supa gore ga a itse go bala le go kwala, e bile ga a ise a tsene sekolo. A re o goletse kwa morakeng a tlhokometse leruo la batsadi ba gagwe le la ga Rre Mogalakwe. O ne gape a tlhalosetsa kgotla kgolo ya ditsheko gore le fa a sa itewa letsogo, o kgona go dirisa sesupa nako. O tlhalositse gape gore lekwalo le le neng le tswa kwa go Rre Mogalakwe le mo rebola go lebelela tsamaiso ya ditlhopho le ne la goroga thari, ka jalo a tsaya tshwetso ya go tlhoma leitlho a le kwa ntle ga matlhophelo. Ka jalo, Rre Dikhuhang a re o ne a dumela gore ga se molebeledi wa ditlhopho yo o tlhomameng ka jalo a itlhophela go dira thomo ya gagwe a le kwa lwapeng, a sa tsene mo matlhophelong. O dumetse gape gore ga a kake a tlhomamisa tse di diragetseng kwa matlhophelong ka nako e a neng a le kwa lwapeng. Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosetsa lekgotla gore ke ene a ka tlhalosang botoka tse di diragetseng ka letsatsi la ditlhopho kwa Moralane ka gore e ne ele motsaa-karolo. “Ga ke dumalane le seo se mpolelang fa o re tse dintsi di diragetse ke seo ka gore ke ne ke le teng wena o ne o seo,” a araba. Le fa a dumela gore tse di buiwang ka Rre Kaodimba o ne a di bolelwa ke bangwe, Rre Diphuhang a re le fa go ntse jalo, o dumela gore tse di ntsi di dirilwe mo ponong ya gagwe. E rile a tsibogela nngwe ya dipotso tsa ga Rre Manewe mabapi le kgang ya segongwana se se neng se fapaana ka maikutlo kwa kgorwaneng ya sekolo, Rre Dikhuhang a supa gore ene o ne a le mo lekgamung le le neng le batla go ntsha Rre Kaodimba mo matlhophelong. “Re ne re ka dira sepe se se tlhokegang go ntsha Rre Kaodimba mo matlhophelong, go balelwa le gone go dirisa dikgoka tota,” ga tlhalosa Rre Dikhuhang. A re seemo sa gore Rre Kaodimba o ne a ganela mo matlhophelong se ne se sa mo jese diwelang, mme a felela a tsaya tshwetso ya go boela lwapeng. “Ke ne ka felela ke ngala ke boela lwapeng ke ya go robala,” a tlhalosa. Tsheko eo, e reeditswe ke baatlhodi ba le bararo ba kgotla kgolo ya ditsheko mo Gaborone e bong Rre Gaolapelwe Ketlogetswe, Rre Omphemetse Motumise le Rre Itumeleng Segopolo. politics 7 Boineelo modi wa tswelelopele Maloko a komiti ya ditlhabololo tsa kgotla ya Dilolwe kwa Kanye a kgothaditswe go nna boineelo le go supa mowa wa lerato mo tirong ya bone. Fa a bua kwa kgotleng ya Dilolwe bosheng morago ga ditlhopho tsa komiti ya ditlhabololo tsa motse, moeteledipele wa ofisi ya boipelego le tlhabololo matshelo a batho, Rre Tiroyaone Rampe, o boletse fa mowa wa therisanyo, tirisanyo mmogo le kutlwano o ka tsisa katlego. A re tiro ya komiti e tona mme e batla boineelo, a tlatsa ka gore komiti e tshwanetse go dirisanya sentle le morafe. O ne a tswelela a tlhalosa fa ba tshwanetse go nna ba afa pego ya komiti ya bone gore ba dirile eng go saletse eng ko morago. A re ga go a tshwanela gore go nne le tlhoko kutlwisisanyo e e bakwang ke tsa selegae, e bile di dipharologanyo tsa sepolotiki ga di a tshwanela go supiwa mo komiting. O ne a tlhalosa fa kapari e le yone mmangmang fa baya tirong, a tlhalosa fa ba tshwanetse go apara sentle fa baya mmerekong. Rre Rampe o ne a kopa komiti e kgologolo go kwala pego ya tse ba ntseng ba di dira mo ngwageng tse tharo tse di fetileng mme e isiwe kwa ofising ya gagwe, a tlatsa ka gore ba kopane le komiti e ntsha ba ba rute tiro gore go dirwa jang. O ne a ba kopa go bereka le bogogi le morafe, a re maphata otlhe a puso a ya go dirisa bone ka e le bone palamente ya motse. O boletse fa go ya go nna le ithuthuntsho ya malatsi a mararo ngwaga o o tlang ka Tlhakole go ba ruta ka tsamaiso ya komiti e. Rre Rampe o kaile fa mowa wa lerato e le one o ka dirang gore komiti e ntsha e gatele pele mo ditlhabololong tsa motse wa bone, ka ba santse ba lebaganwe ke namane e tona ya tiro ya go aga ntlo lohalahala. A re ba ya go simolola ka go aga tsela ere ba sena go e wetsa ba age ntlo lohalahala. Ba kopilwe go nna komiti e e seng boitseme. Bafenyi ba ditlhopho tseo ke Oampona Leisi, Susan Stegling, Mitah Stegling, Winnie Mokwena, Barbra Mpapalela, Patson Motswagae, Monica Tumediso, Gladys Joroso, Yvonne Maruping le Tlamelo Leu. Maloko a masha a komiti ya ditlhabololo tsa motse a a yang go etelela kgaolo eo pele sebaka sa ngwaga tse tharo, a tlaa simolola tiro ka go tsena phuthego ya bone ya ntlha kgwedi ya Morule e tlhola malatsi a le mararo kwa ba tlaa tlhophang baeteledipele ba komiti eo. Fa atswa la gagwe, mokhanselara wa kgaolo ya Dilolwe, ebile e le modulasetilo wa khansele potlana ya Kanye, Rre Tlhomamo Dibeela, a re komiti ya ditlhabololo e na le mmereko o montsi. A re komiti e tshwanetse go thusa puso go ntsha ditlhabololo kwa tlase, e dirirsanye le morafe le kgosi le mokhanselara go dira ditiro tsa ditlhabololo. Rre Dibeela o kgothaditse komiti eo go tswa ka maano a nonneng a gore ba ka dirang se e ka lereng letseno, le go akanya ditiro tse di tlaa tlhabololang motse wa bone. O ne a ba tlhalosetsa fa khansele e ntsha batho ba ba tlhatlhobang dibuka tsa madi mo dikgweding tse tharo, mme fa go ka diragala gore go itlhelwe bangwe mo komiting ba jele madi ba a tlhatlhelwa. politics 7 Molelekwa o itshetsa ka petlwana Go tswa goo Lowe, tshimo, podi ga mmogo le kgomo e ne e le tsone pinagare ya botshelo jwa Motswana. E ne e a re fa ngwana wa mosimane a fatlhoga a rutwe go tsaya kgomo ka motlhala fa mosetsana ene a ne a rutwa ditiro tsa mo gae le masimo. Go itshela metsi mo ganong ka go itirela ka diatla e ne e le selo se se atileng mo Batswaneng, selo se le gompieno bangwe ba itsegeng e bile ba ipelafatsa ka sone. Ka jalo e rile bosheng ka letsatsi la ditshupo tsa kgaolo-potlana ya Moshupa BOPA ya buisana le Rre Boang Molelekwa yo e leng mongwe wa ba ba itshetsang ka petlwana. Bontsi jwa batsena ditshupo tseo ba ne ba sala ba itshwere molomo o se botlhoko, sentlentle ba ipotsa gore a segologolo se se a bonwa. E ne e re o tla o lebagane le mokhukhu wa gagwe, o tshologelo ya one e neng e le ya maemo a ntlha, o bo o kgatlhantshiwa ke bokgabane jwa ditilo tsa setso le tafole ya tsone, bontle jwa tsone e le jo bo ntshang bana ba phefo. E ne ya re fa a bula molomo Rre Molelekwa a re, “Ga go sepe se segolo se ke ka se supegetsang setshaba gore mo dingwageng tse ke ntseng ke le mmetli ke ne ka se fitlhelela. Se ruri ke seemo se se sa jeseng diwelang le eseng. Mme le gale ka phiri a rile ga bo se gangwe, ke na le tshepho le tumelo ya gore ka lengwe la matsatsi, bonokopila le botswerere jo ke nang najo mo tirong ya me bo tlaa ntlodisa dinoka le dinokana.” Rre yo wa sekgantshwane sa petlo wa kgotla ya Kgosing kwa Ranaka, o tlhalositse fa a simolotse tiro ya gagwe ka dingwaga tsa bo 1980 a sena go boela mo gae, morago ga go felelwa ke tiro kwa meepong ya Afrika Borwa. O tlhalositse fa ka dinako tseo go itshetsa ka ditalante go ne go sa tlwaelesega, dingwe di fitlhegile e bile di ise di tsewe tsia sentle, ka jalo go ne go se motlhofo go ka itirela botshelo jwa sennelaruri ka tiriso ya talente. A re ene o ne a bona go betla e le gone go siameng ka jaana go ne go sa mo tlhoke dipe tse dintsi ntleng ga legong le petlwana. A re o ne a tia moko le go feta ka jaana maikaelelo a gagwe a konokono e ne e le go itshetsa ga mmogo le go tsosolosa tiriso ya didirisiwa tsa setso di akaretsa diphetlho,dikika,dikgamelo le tse dingwe. Mogaka yoo wa petlo a re mo gompienong o itebagantse le go betla ditafole le ditilo tsa dikgole tse di neng di tlwaelesegile ka go dirisiwa ke banna, bogolo jang mo makgotleng le mediro ya Setswana ka go farologana. A re ditilo tseo di bogadi bo gaufi. Go betla dikgong le fa go ntse jalo ga se go tsaya petlwana motho a rema legong fela, Rre Molelekwa o tlhalosa fa go tlhoka botsipa jwa go itse ditlhare tse di dirisiwang jaaka mosetlha, mosilabele,motlhware le morukuru. A re ke ditlhare tse di omang ka bofefo, ka jalo di siametse go betla. “Ditlhare tse ke tsa boleng jo bo kwa godimo, ka jalo di mpha maduo a a kwa godimo ka ebile di nale mebala e e farologaneng ee kgatlhang leitho. Tiriso ya ditlhare tse gape e mpha sebaka sa go betla dilwana tse di tsamaelanang le segompieno ntswa di santse di tshegeditse segologolo ga mmogo le ngwao ya ka fa di dirwang ka teng. Ke di betla ka bokgabane jwa gore di tsamaelane le boleng ga mmogo le ngwao, serodumo sa magosi a rona,” o tsweletse a tlhalosa. Le fa go ntse jalo Rre Molelekwa a re ga a jesiwe diwelang ke go bo go sena didirisiwa tsa segompieno tsa go betla selo se a reng se mo ketefaletsa tiro ka jaana a sa kgone maikaelelo a gagwe a go betla dipalo le go ntlafatsa ka fa a ratang ka teng. A re mme fela o itumelela gore le fa a sa ithutela tiro ya go betla,o e tlhaloganya go tswa le go tsena. A re le fa tiro ya gagwe e sa mmusetse sepe se se kalo, o nona pelo ka mathe ka jaana Batswana ka bontsi ba setse ba simolotse go mo etela go reka didirwa tsa gagwe, bogolo jang ditilo. A re bontsi jwa bareki le barotloetsi ba gagwe ba supa fa ba kgatlhegela tiro ya diatla tsa gagwe, e gantsi e supang bokgeleke le bonokopila jo bo sa tlwaelesegang, selo se a kaileng fa se mmaya mo maemong a mantle a go phadisana le bangwe ka ene. O tlhalositse fa maikaelelo a gagwe e le go kopa dithuso ka lengwe la mananeo a puso ga mmogo le go rekisa kgwebo ya gagwe ka methale e e farologaneng e akaretsa ditshupo, thekiso ya molomo ga mmogo le tiriso ya maranyane. E rile a wetsa Rre Molelekwa a kgothatsa botlhe ba ba nang le keletso ya go betla, bogolo jang banana go ititaya ka thupana le go nna pelo telele le boineelo ka dinako tsotlhe. ENDS economy_business_and_finance 3 Menyetla ya kgwebo mo temo- thuong e mentsi Mothusa tona wa tlhabololo temo-thuo le tlhomamiso dijo, Rre Kgotla Autlwetse a re menyetla ya go simolodisa dikgwebo e mentsi thata mo mhameng wa temo-thuo mme di tlhokana le Batswana gore ba di tsibogele. Fa a bua kwa diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa Sefhare le Machaneng, Rre Autlwetse o boletse fa dikgwebo di le dintsi mo mhameng wa temo-thuo e bile di ka thusa mo letlhokong la ditiro le le apesitseng lefatshe leno. A re ntswa banana ba tsene dikole, bontsi bo gobea mo mekgwatheng ntateng ya letlhoko la ditiro, ka jalo ba tshwanetse ba tsibogele ntlha e. Rre Autlwetse o ne a kopa Batswana go fetola ka fa ba tsayang temo-thuo ka teng ba edire kgwebo. A re bontsi jwa balemi-barui ga ba tsee temo-thuo ka tlhoafalo mme ba lemela kana ba ruela go jela mo ganong le go intsha bodutu, ka jalo seemo seo se tshwanetse se fetoge gore lefatshe leno le itirele dijo. O tsweletse a re go nnile le ditshekatsheko tsa gore banana ba ba sa boneng ditiro ba ka thusiwa jang mme ga lemogwa fa mo lephateng la gagwe, bogolo jang mo mhameng wa temo-thuo go na le go le gontsi mo go ka dirwang gore motho a itshetse. Rre Autlwetse a re fa Batswana ba ka tlhoafalela temo-thuo lefatshe leno le ka kgona go ijesa le bo le jesa mafatshe a mangwe. O boletse fa mo nakong eno lefatshe leno le tlhokana le mashi a selekanyo sa dilithara di le 65 million mo ngwageng mme mo nakong eno selekanyo sa dilithara di le 58.8 million se tswa kwa ntle ga lefatshe leno. A re selo se se supa fa go na le monyetla wa kgwebo ya dikgomo tsa mashi. A re puso e tsenya madi a mantsi ka fa mhameng wa temo-thuo e thusa Batswana mme ga go na dipoelo tse di bonalang, ka jalo seemo seo se tshwanetse se fetoge. A re fa molemi a lemile ka ditselana, tema e le nngwe e tshwanetse e mmusetse dikgetsi di le masome a matlhano kgotsa go feta. A re balemi ba tshwanetse ba tswe mo segologolong sa go bua dipuo tsa gore ‘molelo wa mariga ba tlaa dika ba o orile’ mme ba tlhoafalele temo e ba direle dkgwebo. Rre Autlwetse o ne a kopa Batswana gore ba seka ba tsaya gore mhama wa temo-thuo ke wa puso mme ba eme ka dinao ba dire dijo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Tshwaragano e tsisa phenyo mo thutong ya bana E re ka Motswana a rile setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata, batsadi ba
baithuti ba sekole se sebotlana sa Tshwaane kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng
ba ntse ba ba thusanya le barutabana go ntsha maduo a mantle a baithuti. Mo potsolotsong bosheng,
modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana kwa sekoleng seo, Rre Pontsho
Balatlheng a re ba itumelela seabe le thotloetso e batsadi ba motse oo ba e
supang tebang le dithuto tsa bana ba bone. A re sekole seo se tswa kgakala se dira sentle fela thata,
mme sephiri sa katlego ke tshwaragano ya batsadi le barutabana. O kaile fa
kgolo ya maduo e tlhotlhelediwa ke komiti ya batsadi le barutabana ka go nne ba
berekisana sentle fela thata. Rre Balatlheng a re ntswa go
santse go na le bangwe ba ba dumelang gore thuto ya bana ke boikarabelo jwa
barutabana fela, mme gone bontsi bo ikiteile ka thupana go betlela bana ba bone
bokamoso jo bo phepha ka go ba rotloetsa go ikanya thuto. A re gangwe le gape, fa
batsadi ba bileditswe diphuthego mo sekoleng ba di tshologela ka makatlanamane,
go tla go amogana le barutabana dikgwetlho tse bana ba nang natso le go tswa ka
maano a go tokafatsa seemo. Rre Balatlheng a re le bone
fela, e le komiti ya batsadi le barutabana ba kgona go ntsha maduo a mantle ka
ntlha ya kemonokeng ya batsadi, a supa fa batsadi ba kgona go ithaopela go dira
ditiro dingwe mo sekoleng. A re ko sekoleng seo, ga ba
beye sebete mokgwa wa go supasupana ka monwana fa dilo di sa ba tsamaele sentle
mo sekoleng gongwe maduo a baithuti a se a mantle, mme ka dinako tsotlhe ba
netefatsa gore ba phuthaganela kwa sekoleng go bona gore matsapa di ka tswa di
a tsaya kae. A re gape barutabana mo
sekoleng seo, le bone ba bulegetse batsadi go ba amogela ka dinako tsotlhe,
gore le bone ba ba atumele mme ba seka ba retelelwa ke go ntsha dikgakololo tse
ba ka tswang ba na natso. A re tshwaragano e e nametsa
pelo fela thata mme a kopa batsadi go tsweledisa mowa o, a tlhalosa fa seo se
ka thusa puso mo maitlamong a yone a go diragatsa letshego la tebelopele ya
setshaba ya 2016,la tshaba e e rutegileng. O ne a tswelela ka go
rotloetsa batsadi go laola bana le gore gangwe le gape ba nne ba okomela dibuka
tsa bana go di sekaseka le go bona ka fa ba tsweletseng ka teng, gore fa ba sa
dire sentle ba ba thuse. BOKHUTLO education 4 MVA e tlhalosa ka ditirelo tsa yone Mogolwane kwa Motor Vehicle Accident Fund (MVA), Rre Michael Molebo, o ikuetse mo setshabeng go ikgolaganya le lekalana leo fa ba tlhoka dithuso tsa potlako ka nako ya fa ba amegile mo dikotsing tsa tsela. Rre Molebo o buile se bosheng mo puisanong kwa Tsabong fa ba ne ba le mo leetong mo kgaolong ya Kgalagadi borwa go tlhalosetsa batho ka ditirelo tsa bone le go ba atameletsa dithuso O ne a supa fa ba lemogile fa batho ba le bantsi ba sa ntse ba saletse kwa morago mo go tlhaloganyeng ka lekalana la MVA le bomosola jwa lone mo lefatsheng leno. A re ke maitlamo a bone gore ba tsamaye lefatshe leno ka bophara go tlhalosa mo go tseneletseng ka ditirelo tsa bone le go tshwara diphuthego tsa kgotla kana go buisana le setshaba gongwe le gongwe fa ba phuthaganelang teng ba le bantsi. Rre Molebo o ne a tswelela ka go tlhalosa gore pele ga lekalana leo la MVA le ka thusa motho, ba tlhoka bosupi jwa mapodisi go rurifatsa gore ke boammaaruri kotsi e diragetse. O kaile fa ba thusa motho ka ka P7 500 mo go tsa phitlho fa a tlhokafetse kana go thusa ka dithuso tsa kalafi fa a gobetse mo kotsing maikaelelo e le go busetsa yo o gobetseng mo botsogong jo bo eletsegang. Mogolwane go tswa mo letloleng leo o ne a kaya fa gape thuso e ka fiwa ba ba latlhegetsweng ke motlhokomedi mo kotsing ya koloi e ka nna monna kana mosadi kana mongwe le mongwe fela yo o ka supang gore o ne a tlhokomelwa ke moswi go rurifaditswe ke ba bogosi. Mongwe wa ba ba neng ba le mo dithutong tseo tsa koloi e e tsamayang kwa mmolong wa TM kwa Tsabong, Mme Masego Ritze o ne a lebogela ba MVA ka dithuto tseo ka di tlaa ba bula matlho go tlhaloganya botoka go ya pele. Mme Ritze a re seo ke maiteko a letlole leo a a ka solegelang Batswana molemo mo dithusong tsa potlako ebile di le maleba, a supa fa batho ba le bantsi ba ne ba latlhegelwa ke ba masika mme ka ntlha ya go tlhoka go itse ka letlole leo ba sa bona dithuso dipe selo se a reng se ne se ketefalela ba bangwe bogolo jang ba ba dikobo dikhutshwane. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Mapodisi a tlhotlhomisa dintsho kwa Tutume Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng monna le mosadi ba rapaletse mo bodibeng jwa madi mo ntlong ya bone kwa kgotleng ya Thini kwa Tutume.Go ya ka mookamela mapodisi a pharakano kwa Tutume, Superintendent Milidzani Mbayi, tiragalo eo e begilwe ka Tshipi phakela. Superintendent Mbayi a re go lebega go dirisitswe tlhobolo ka ba fitlhetse tlhobolo go bapa le ditopo tseo. O boletse fa wa mme a le dingwaga tse di masome mararo le bone mme a tswa mo kgotleng ya Thini fa wa rre ene a le dingwaga tse di masome mararo le borobabobedi a tlholega kwa kgotleng ya Selolwane gone kwa Tutume mme go bolelwa fa bobedi joo e ka tswa e ne e le baratani. Superintendent Mbayi o tlhalositse fa ba ile ba ragosetsa bobedi joo kwa kokelong ya Tutume kwa go tlhomamisitsweng ba tlhokafetse mme ditopo tseo di kwa kokelong ya Tutume go tlhatlhojwa ke dingaka fa ditlhotlhomiso di tsweletse. A re ke tiragalo e e tshosang thata, ka jalo a ikuela mo bathong gore fa ba na le mathata ba leke go kopa dikgakololo le bogakolodi mo bathong ba bangwe go na le go itseela ditshwetso tse e seng tsone.O ne a tswelela ka gore go ipolaya ga se go rarabolola mathata mme ke go tsisa matshwenyego le bohutsana mo go ba ba salang. crime_law_and_justice 1 Ipetleleng bokamoso jo bo siameng Mogwebi yo o tumileng mo Tsabong mo kgaolong ya Kgalagadi, Rre Tshipietsile Mothelesi o kgothaditse baithuti ba sekole se segolwane sa Tapologo mo Werda go dira ka natla mo dithutong tsa bone ka seo se ka ba thusa go ipetlela bokamoso jo bo siameng. O buile jaana mo letsatsing ka kabo dietsele la ngwaga le ngwaga ka maikaelelo a go rotloetsa le go tiisa moko baithuti ba sekole seo go tswelela ba tokafatsa maduo mo dithutong tsa bone. Rre Mothelesi o boleletse baithuti bao gore bogologolo ka nako ya bone, morago ga go dira sentle mo lokwalong lwa bosupa bana ba ba tswang mo kgaolong ya Kgalagadi ba ne ba amogelwa kgakala kwa dikolong tsa St Joseph’s College, Moeding, Kgari Sechele le tse dingwe go tsweledisa mophato wa ntlha go ema ka wa botlhano. A re morago ga dikopo tsa morafe le boeteledipele, puso e ne ya leka ka bojotlhe go atametsa dikole tseo mo kgaolong mme a re seo ke sebaka mo go bone gore ba ntshe ga tshwene, a kaya fa didirisiwa tsa thuto mo nakong ya gompieno di le teng tse di nametsang fa go tshwantshanngwa le mo nakong e e fetileng. Rre Mothelesi, yo e leng sekao sa go itirela botshelo, o ne a bolelela baithuti gore ba seka ba iphora ka go lebelela dithoto tsa batsadi ba bone mme ba itome molomo wa tlase ka go le mo maruding a bone go itlhophela gore ba tshele botshelo jo bo ntseng jang mo isagong. O ne a tlatsa ka go supa fa mongwe le mongwe a tshwanelwa ke go ja mofufutso wa phatlha ya gagwe. O kaile fa e le bone baeteledipele le bagogi ba lefatshe leno ba ka moso, ka jalo ba tshwanelwa ke go itsetsepela thata ka thuto ka e le yone le lesedi mme a ba gakolola gape gore ba tlhokana le gore e bo e le batho ba ba nonofileng ebile ba rutegile. Rre Mothelesi yo e kileng ya nna mokhanselara wa Tsabong Bokone o ne a gwetlha batsadi le barutabana go tshwaragana ba le seopo sengwe le gone go tsosolosa komiti ya batsadi le barutabana le gone go ema baithuti nokeng le go ba gakolola go tlhwaafalela dithuto tsa bone gore ba tle ba kgone go dira sentle mo dithutong tsa bone. O ne a rotloetsa sekole seo ka P1 000 go a dirisa mo tokofatsong maduo a baithuti. Mo mafokong a gagwe, mogokgo Mme Pinkie Kabelo o ne a kaya fa baithuti ba ba amogwetsweng ba le 636, barutabana ba le 48 mme ba sa jesiwe diwelang ke maduo a sekolo seo a a sa itumedise gotlhelele a kaya fa ngogola a ne a le kwa tlase ka masome a le mane le botlhano mo lekgolong. Mme Kabelo o ne a kaya fa e le barutabana ba dira ka gotlhe go tlhomamisa gore maduo ao a a tokafala ka go oketsa dinako tse go rutwang ka tsone le gone go kgalemela seemo sa nnotagi le boimana tse di kgonang go runya mo sekoleng seo. A re gape ba leka go tshwaraganya maloko a PTA a a supileng fa a sa bereke sentle ka e le one barutabana le batsadi ba ka kgonang go buisana le go tswa ka ditharabololo le dikgakololo mabapi le tokafatso maduo mo sekoleng seo. Mo mafokong a gagwe a Tebogo, kgosana Mme Meisi Kamanga o ne a kopa baithuti go itsolopaganya ka go dira go tlala ka diatla go tlhomaisa gore maduo a sekolo seo a a fetoga go nna a a itumedisang mo ngwageng ono go tswelal ba dira sentle go ya pele. Mme Kamanga o ne a akgola botlhe ba ba abetsweng dietsele go tswelela ba tshwara ka thata mo dithutong tsa bone, a bo a kgothatsa ba ba sa amogelang go ithuta thata gore le bone e nne bafenyi mo nakong e e tlang. O ne a tlatsa ka go leboga barotloetsi botlhe ba ba thusitseng ka dimpho gore letsatsi leo le atlege. Baithuti ba ba dirileng sentle mo go kgatlhisang mo dithutong tsa bone ba ne ba ne ba tiisiwa moko ka go abelwa ditlankana, madi, dikopi le dimpho ka go farologana. education 4 JAB e nonotsha baithuti E re ka puso e dira ka natla go godisa dikgwebo tsa banana, lekalana la Junior Achievement Botswana le godisa kitso ya baithuti ba dikole tse dipotlana le tse dikgolwane mo go ba nonotsheng le go ba fa botsipa ka tsa go tsamaisa dikgwebo le go itirela ka diatla ba sale kwa dikolong ka go dira dikgaisanyo tsa dikgaolo go fitlha ka tse di akaretsang lefatse lotlhe. Mo potsolosong le BOPA, mogolwane mo ofising ya JAB, Mme Banyana Mannaesi o buile fa JAB e na le tshwaragano le lephata la thuto ya motheo go tsenelela dikgaisanyo tsa go tsamaisa dikgwebo le go itirela ka diatla ba sale ba botlana. Mme Mannaesi o tlhalosa fa JAB e itebagantse le baithuti mme ba thusiwa ke barutabana ka boithaopo go ba rotloetsa go tsenelela moletlo wa go tla go supa dikgwebo le dilo tse ba di direng ka diatla tse ba di agileng go tswa kwa tshimologong. O bua fa bana ba ntlhakgolo ya bone e ba itebagantseng le yone e le mo kitsong ya go tsamaisa dikgwebo ka tshimologo ya moeteledi pele go fitlha kwa badiring le ba bangwe ba ba welang ka fa tlase ga dikomponi. A re ofisi ya bone e eletsa gore dikole tsotlhe mo Botswana di tsenelele JAB gore baithuti botlhe ba nne le lesedi la go tsamaisa dikgwebo le go itirela ka diatla jaaka dikgaisanyo di ba letla gore ba dire di pampiri tse di supang ka fa kgwebo e tlaa bong e tsamaya ka teng (business plan). O gatelela gape gore go ba suga gore fa ba fetsa sekole ba fetela kwa dikoleng tse dikgolwane jaaka mmadikole ba bo ba na le lesedi gore ba batla go dira ditiro dife tsa diatla tse di ka ba tswelang mosola. A re seo se ka dira gore go nne motlhofo mo go bone fa ba setse ba kopa madi a lephata la banana, CEDA le Gender Affairs ba sena go fetsa sekole. O ne a tlhalosa fa dikgaisanyo tsa JAB di le botlhokwa ka di kopanya baithuti ka bobone go itsane ka go amogana dikitso tsa go itirela le go buisana ka tsa kgwebo jaaka ka fa ba rekisang ditiro tsa bone mo Botswana le kwa mafatshe a sele ka teng. A re morago ga dikgaisanyo tsa Botswana go nna le dikgaisanyo tsa Junior Achievement Africa, jaaka ba kile ba isa ba bangwe kwa mafatsheng a sele mme ba tla ba gaisitse ba bangwe. A re seo se supa gore JAB e ntsha dialogane tse di tsogang di direla Botswana go godisa itsholelo ya lefatshe. O ne a bua gape fa JAB e suga baithuti go ka ipaakanyetsa go berekela dikhamphani ka ba abo ba itse ditsamaiso tsa go direla dikgwebo. Mme Mannaesi a re JAB ga e felele fela mo dikgaisanyong le baithuti, fa ba sena go ba ruta botsipa jwa kgwebo ba tswelela le bone go bona gore ba nna le dikgwebo tsa bone, a supa fa bangwe ba na le botsipa jwa go berekela mo diofising le go dira ka diatla. A re maduo a lekalana la JAB a a bonala ka bangwe ba bana ba ba tseneletseng thuto dikitso, ba galalediwa ke bahiri. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Lions Club e abela sekole Mogolwane wa mokgatlho wa bobelotlhomogi wa Lions Club kwa Molepolole, Mme Martha Mothobi, o rotloeditse mekgatlho le beng ba madirelo go thusa batho ba ba tlhokileng. Mme Mothobi a re fa mekgatlho e mengwe le yone e ka ema ka dinao go thusa batho ba go nna jalo, se se ka dira gore batho bao le bone ba ikutlwe ba amogelesega Mme Mothobi o buile se kwa moletlong o mokhutshwane o go neng go abelwa bana ba sekole sa Anne Stine kwa Molepolole, tanka ya metsi ya dilithara di le dikete tse tlhano mo bosheng. A re mokgatlho wa bone ga se wa batho basweu jaaka batho bangwe ba akanya kana ba ba humileng mme ke wa mongwe le mongwe. O bile gape a tlhalosa fa mokgatlho wa bone o itshwaragantse le ba lephata la botsogo jaaka fa e tlaa re ka kgwedi ya Ngwanatsele monongwaga, ba simolodise letsholo la go lwantsha bolwetse jwa mmokwane. A re e le ba Lions club ya Molepolole, ba rekile tanka eo go thusa bana bao ka go kokoanya madi go tswa mo dipateng tsa bone. O bile a tlhalosa fa mokgatlho wa bone e se o o dirang dipoelo, a re dipoelo tsa bone ke lerato le monyenyo o o tswang mo difatlhegong tsa batho ba ba ba thusang ka jaana go supa fa ba amogela dithuso. Mopalamente wa Molepolole bokone, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri, o akgotse mokgatlho oo ka ditiro tse dintle tse o di direlang batho ba lefatshe leno jaaka go thusa mo go lwantsheng bofofu ka go tlhatlhoba matlho le go abela balwetse melemo le digalase tsa matlho. Mopalamente yo gape a leng mothusa tona wa botsogo, a re ka go lemoga letlhoko le legolo la metsi le le apesitseng motse wa Molepolole kobo ka letshoba, ba Lions club ya Molepolole ba bone botlhokwa jwa go rekela bana bao tanka go thusa mo go somareleng metsi. O ba akgoletse gape go bo ba tsweletse ka go tshegetsa lengwe la matshego a lefatshe leno la tebelopele ya 2016 la go nna tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala. Sekole seo sa Anne Stine se na le bana ba le masome a mane le boferabobedi, ba bangwe ba bone ba tlhokomelelwang kwa malwapeng. society 9 Lenaneo le tlodisa monana melatswana E re le ntswa letlhoko la ditiro le apesitse banana kobo ka letshoba, monana mongwe kwa Bobonong, Rre Onkamogetse Poitshego o inaakantse le kgwebo ya dipodi. Fa a bua mo potsolotsong, Rre Poitshego o tlhalositse gore kgwebo ya gagwe e e simolotseng ngwaga o o fetileng e itebagantse le go rekisetsa barui le marekisetso a nama dipodi. A re gape o rekisetsa batho ba ba sa batleng go rua dipodi go dira seshabo. Rre Poitshego, yo o dingwaga tse di masome a mararo, o kaile fa kgwebo ya gagwe ya dipodi e rotloeditswe ke lephata la banana ka madi a a kana ka P85 000. O supile fa ka madi ao, a kgonne go reka dipodi,go aga lesaka le go reka didirisiwa tsotlhe tse di tlhokegang go simolola kgwebo ya dipodi. A re dipodi tsa gagwe o di ruetse kwa morakeng wa Mosalakwane go bapa le motse wa Bobonong. Rre Poitshego o tlhalositse fa a ruile dipodi di le masome a mane tsa mofuta wa Boer goat, ka e bile e le mofuta o o kgonang go itsetsepela mo dipakeng tse di thata jaaka leuba. O tsweletse a tlhalosa fa Boer goat e le mofuta o o siameng thata ka e na le nama e ntle e bile gape e le ntsi. Rre Poitshego a re bontsi jwa batho ba rata Boer goat ka go bo boleng jwa nama ya yone e le jwa maemo a ntlha. A re podi e le nngwe o e rekisa ka madi a a kanang ka P700 go ya kwa go P750. Rre Poitshego a re dipodi tsa gagwe di kgatlha leitlho thata ka gore ga di fule mo nageng fela a tlatsa ka go supa fa a di neela Molasses, Whole Grain ga mmogo le Lab Lab e le tsela nngwe ya go di nonotsha. O tlhalositse fa kgwebo ya dipodi e le nngwe ya dikgwebo tse di sa ntseng di gola mo lefatsheng la Botswana a tlatsa ka go supa fa letlhoko la nama ya podi le le kwa godimo fela thata mo marekisetsong a nama mo dikgaolong ka bontsi. A re baji ba nama ka bontsi ba rata nama ya podi bobe go na le ya kgomo. O kaile fa ba supa gore nama ya kgomo e ba tsenya bolwetse jwa mangole gammogo le ditlhabi mo mebeleng. Rre Poitshego o rotloeditse batho ba ba batlang go tsena mo dikgwebong go inaakanya le kgwebo ya dipodi ka e le bogadi bo gaufi. A re podi ga e tlhoke tlhokomelo e e kalokalo jaaka kgomo. economy_business_and_finance 3 Sekolo se abela bana ba SOS Sekolo se se botlana sa Khama Memorial School se abetse bana ba legae la SOS kwa Serowe dimpho tse di farologanyeng tsa madi a a fetang dikete tse nne bosheng. Fa a bua kwa moletlong wa go abela bana bao dimpho kgosana ya kgotlana ya goo Tshweu mme Mookodi one a leboga sekolo sa seo go bo ba lemogile go le botlhokwa go abela bana ba SOS dimpho ka go supa gore ba nale lorato e bile ba kgatlhala ka bana, a tlhalosa fa sekolo sa SOS se dirile tiro e ntle hela thata ka go ba fa sebaka go itse gore bana ba nna jang e bile ba tlhoka thuso ya mohuta ofe. Mme Mookodi a re go abela bana dimpho go supa tisano e e le go tsaya matsapa a bone go gopola bana ba SOS. Fa a tswa la gagwe mogokgo wa sekolo sa Khama Memorial Rre Motshidisi Segolodi a re legae la SOS le dira tiro e tona thata,e bile bomme ke bone ba ba tshwereng thipa ka fa bogaleng mo tirong ya go tlhokomela bana le gore ba tsena sekolo sentle, Rre Segolodi a re dimpho tse di abelwang bana ke diaparo tsa bana, melora e e tlhapang le e e tlhatswang , ditlhako le tse dingwe, o ne a leboga sekolo sa Khama ka go ntsha dimpho tse di tshwanang diaparo ka di tsile go tlhusa mo pakeng eno ya mariga, le go ba sireletsa mo marigeng. Motlhokmedi wa bana ba SOS mme Diphetogo Nneelang a re o lebogile sekolo sa Khama thata ka go ba abela dimpho, ka go dira jalo e le tiro ya Modimo, a tlhalosa fa Modimo o itumela go bona batho ba sa lebala bana ba bone, mme Nneelang a re mpho e ke mpho e tona mo matlhong a bone ga mmogo le mo matlhong a Morena. education 4 Botllhokatsebe ga bo jese Kgosi Mooketsane diwelang Mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya, a re puso e eletsa go bona dithoto tse di dirwang mono di rekwa ka bontsi gore maikaelelo a go tlhama ditiro a tle a atlege. Rre Goya o buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa Phuduhudu, Lemone, Dikabeya, Dikabeyana le Makoro bosheng. O boletse fa Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a supile fa nako e gorogile gore go sekasekwe gore go ka thatafadiwa jang molao o o patikang gore go rekwe dithoto tse di dirwang mo Botswana ka bontsi. Rre Goya a re le ntswa thulaganyo ya go tswakanya itsholelo e tsweletse, maphata mangwe a puso a tsweletse ka go reka dithoto tse di tswang kwa mafatsheng a sele, a kaya fa seo e le poelo morago. Le gale a re maphata mangwe a gatetse pele ka thulaganyo eo, mme a akaretsa la peeletso, papadi le madirelo le a tlhalositseng fa le rotloetsa Batswana go reka dithoto tsa mono. “Lephata la peeletso, papadi le madirelo le tsere tshwetso ya gore go patikege gore bagwebi ba marekisetso ba reke metsi a mabotlolo a selekanyo sa 500ml a a dirilweng mo Botswana fela mme ebile ba patelesega gore ba rekise one fela,” a tlhalosa jalo. Rre Goya a re Batswana ba tshwanetse go rotloetsa tshwetso ya lephata leo ka go reka metsi a a dirilweng mo gae e le tsela ya go godisa madirelo a mo gae. A re fa Batswana ba ka tswelela ka go reka metsi a a dirilweng kwa mafatsheng a sele, ba tlaa bo ba rotloetsa kgolo ya madirelo a mafatshe ao. Mo go tse dingwe, Rre Goya o ne a kopa banni go leboga Modimo ka pula ee tshologileng bosheng. A re ba tswelele ka go rapelela pula gore ba kgone go baya tema le go bona thobo e e botoka. A re go botlhokwa gore balemi ba potlakele go baa tema, a tlatsa ka gore o tshwentswe ke gore bontsi jwa masimo ga bo ise bo pitikololwe. A re go tlhaela ga ditshukudu tsa temo mo kgaolong ya Palapye go ka baa balemi ba ba lemang ka lenaneo la ISPAAD ka fa mosing a supa fa puso e tlaa tswalela letsema ka kgwedi ya Tlhakole e tlhola lesome le botlhano. Mopalamaente Goya o ne gape a kopa banni go ikwadisetsa ditlhopho, a tlhalosa fa pego ya lephata le le tsamaisang ditlhopho e supa fa Batswana ba sa ikwadisetsa ditlhopho mo ikwadisong ya ntlha. A re go ikwadisetsa ditlhopho go botlhokwa ka gore go fa Motswana mongwe le mongwe sebaka sa go tlhopha puso. BOKHUTLO education 4 Ba lela ka lekgotlana la kabo ditsha Banni ba Ngware mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba re ba ’bete se molangwana ka tsamaiso ya lekgotlana la kabo ditsha la Lephepe le ba reng le na le go abela batho ba ba ikopetseng lefatshe kwa morago go na le ba ba saleng ba kopile. Mo potsolotsong le BOPA, kgosi wa motse oo, Kgosi Kgotla Kobelwane o ne a supa fa banni ba na le dingwaga ba ntse ba lela ka seemo seo. Kgosi Kobelwane a re ba belaela tshenyetso setshaba ka jaana selo seo se diragala gantsi mo peong ya didiba. A re ba kile ba kwalela tona yo o lebaneng go tla go buisa phuthego ya kgotla gore a tle a arabe matshwenyego a bone, mme seo ga se ise se kgonege. Kgosi Kobelwane o ne gape a supa fa ba sale ba kopile go hudusediwa kwa lekgotlaneng la kabo ditsha la Letlhakeng ka lone le le gaufi le bone. A re ba tsaya ditlamelo tsotlhe kwa Letlhakeng ntle fela le tsa kabo ditsha. Kgosi Kobelwane a re go nna kgakala ga lekgotlana leo gantsi go dira gore balemi ba motse wa gagwe ba seka ba akola mananeo a puso a tshwana le go abelwa dipeo ka nako tsa temo ka jaana bangwe ba a bo ba tlhokile madi a sepagamo go ya go tsaya ditlankana tsa masimo kwa Lephepe. Kgosi a re se se kgobang marapo le go feta ke gore le fa ba Ngware ba sena go tsamaya sekgala se se kalo go ya Lephepe, ba kgona go boa fela ba iphotlhere ka fa gongwe fa ba tsena koo ba fitlhela gotwe maranyane ga a bereke, ka jalo go ka se kgonege gore ba thusiwe ka tse ba di etseng. Mo go tse dingwe, Kgosi Kobelwane o supile fa bogodu jwa leruo mo kgaolong eo bo le kwa tlase, mme fela a re o tshwenngwa ke dintwa tsa mo malwapeng ka ntlha ya bojalwa jo bo nowang mo motseng. Kgosi Kobelwane o ne a ngogorega gape ka go tlhoka ditsompelo ga ba sepodise sa motse o o tshwanang le koloi. A re selo seo se dira gore tiro ya bone e nne bonya mme ba tlhobogwe ke setshaba se akanya gore ba boitseme. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Phepafatso tikologo e botlhokwa Lephata la tlhokomelo tikologo la khansele- potlana ya Tonota ka tshwaragano le ba bogosi ba tlaa simolodisa lenaneo la phepafatso tikologo mo metseng yotlhe e e welang ka fa tlase ga kgaolo-potlana e. Mogolwane mo ofising ya tlhokomelo tikologo Mme Goitseone Mogapi o boletse fa maikaelelo magolo e le go rotloetsa setshaba go nna mabogodika mo phepafatsong tikologo ya sennela ruri le go ba rotloetsa go fetolela matlakala mo tirisong, e le tsela ya go phephafatsa tikologo. O tlhalositse fa koloi ya matlakala e tlaa tsamaya le metse yotlhe ya kgaolo potlana ka malatsi a a farologanyeng go tsaya matlakala, ka jalo a kopa morafe go phepafatsa le go kgobokanya matlakala. Kgosi Bokamoso Radipitse a re go tlaa nna le dikgaisanyo tsa phepafatso ya metse, dikole ga mmogo le disupiwa tse di dirilweng ka puseletso ya matlakala mo tirisong monongwaga. O boletse fa a tshwenngwa ke ka fa tikologo ya Tonota e sa kgatlheng leitlho ka teng ka mabaka a leswe le matlakala a a gasameng mo motseng. A re tatlhegelo ya seetsele sa bophepa go tswa mo go bone go ya kwa khanseleng-potlana ya Tutume ke sesupo sa gore motse wa bone ga o mo seemong se se itumedisang. Kgosi Radipitse a re go thona gore morafe e be e le one o leswafatsang tikologo ka go latlhela matlakala mo mebileng le mo dinokeng ntswa e le maikarabelo a bone gore ba ka bo ba thusana le lephata la tlhokomelo tikologo mo phepafatsong. O boletse fa malwapa ka bontsi a sena dibeela matlakala, selo se a reng se tsisa dipotso tsa gore ba latlhela matlakala kae ka go sa supafale a tsewa ke koloi ya khansele. Kgosi o tlhagisitse banni go ikgapha mo go tshubeng matlakala ka go sa siamela botsogo le loapi. A re ba emise mokgwa wa go baya matlakala ka mephuthelwana fa tlase ga ditsela ka dintsa di a kgagola a bo a jewa ke leruo. O rotloeditse banni go ikwadisetsa go tseelwa matlakala ke koloi ya lephata la tlhokomelo tikologo ka go duelwa bonnyenyane jwa P12 ka kgwedi. Modiredi wa ofisi ya tlhokomelo tikologo Mme Pearl Masedi o ne a fa banni maele a go busetsa matlakala mo tirisong, a supa fa e le selo se se botlhokwa se motho a ka kgonang go itshetsa ka sone. A re puseletso matlakala mo tirisong e fokotsa go tlala ga lefuti la matlakala le letona, a tlhalosa fa ofisi ya bone e ikemiseditse go thusa mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego ya go busetsa matlakala mo tirisong le go neela batho teseletso ya go sela matlakala kwa lefuting le letona. environment 5 Tshenyetso setshaba e apesa lefatshe kobo ka letshoba Lefatshe leno fela jaaka mafatshe a mangwe le apesitswe kobo ka letshoba ke seemo se se golelang pele sa tshenyetso setshaba. Seemo se go le gantsi se bakwa ke go itlhokomolosa boikarabelo jwa boeteledipele, go fa ditaelo tse di seng ka fa tsamaisong e bile di sa dirwe ka mokwalo ke baokamedi, mme go le gantsi se se iponatsa sentle mo bodireding jwa maemo a a kwa tlase fa bo ka lemoga gore ga bo okomelwe nako le nako mo tirong ya letsatsi le letsatsi. Se se tlhalositswe ke mogolwane mo lekalaneng la tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo, Rre Kelennetse Moloko mo phuthegong e e tsweletseng ya go tlhatlhelela baokamela maphata a a farologanyeng go tswa kwa lephateng la Ofisi ya ga Tautona ba ba mo thuto puisanong ya malatsi a mararo mo Palapye. Rre Moloko a re maphata a puso fela jaaka makalana a a ikemetseng le one a lebanwe ke mathata a tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo, segolo jang mo makalaneng a a tshwanang a dithoto tsa puso, la khiro le ditsamaiso tsa lephata. A re fa boeteledipele bo sa a tsenye leitlho, a ka digela lephata ka mothobodika ka a dira le theko ya dithoto, dituelo le tsa phiro tse go le gantsi o ka fitlhelang dilo di sa dirwa ka fa tshwanelong le tsamaiso e e letlelesegang. Rre Moloko o tlhagisitse bagolwane gore fa ba ka bona nako le nako kompone e le nngwe e seke e tlhokega mo ikopelong ditiro ya dithendara tsa lephata, ba lemoge gore sengwe se teng ke go runya ga tshenyetso setshaba, mo o ka fitlhelang go na le katso ya pipa molomo mo teng. A re ke tshwanelo ebile ke tsamaiso ya gore baokamedi ba nne malala a laotswe, go thibela tshenyetso setshaba ka go nna ba etela makalana a bone go bona se ba se dirang, a re seo se ka fokotsa tshenyetso setshaba e e ka nna teng . Rre Moloko o ne a buwa gape ka tshenyetso setshaba ya bogotswana kana go dira dilo ka tshokamo , mme a kopa gore a maphata a ele tlhoko a bo a itshireletse mo go yone. O ne a buwa gape ka go godisa meriti ya di resiti tsa dituelo e a reng e borai thata ka motho o kgona go itirisetsa madi a puso le ditsa puso e se kafa molaong, a dira seo ka maretshwa a a kwa godimo a a ka sekeng a lemosege fa boeteledipele bo sa tsenye leitlho. O ne a re go nna dinalanyana mo pusong ke molato o o tshwenyang mme o ka phuthamisa itsholelo ya lefatshe, mme a re a bookamedi bo tsenye marapo dinameng bo itse ka botlalo bodiredi go lwantsha tshenyetso setshaba. A re fa o bona modiredi a tshela go feta ka fa a amogelang ka teng o tshwanetse wa tshwenyega gore o tsaya kae madi, o tlaa fitlhela gore sengwenyana se teng se a se dirang, gongwe a rekisa ditirelo tse di ka bong di neelwa setshaba mahala. BOKHUTLO politics 7 Dikgafela di botlhokwa- Kgosi Mosielele Kgosi Oscar Mosielele wa Moshupa a re go botlhokwa go ipelela dikgafela ka di supa konokono ya botshelo jwa Motswana ebong temo. Kgosi Mosielele o buile jaana ka letsatsi la go ipelela dikgafela kwa motseng wa Kokong bosheng. A re dikgafela di supa mowa wa boipelego o Batswana ba tswang kgakala ka one, ka jaana ba ne ba itshetsa ka go lema ba sa ikaega ka go fiwa ke puso. A re go tlhabisa ditlhong gore mo bogompienong e bo Batswana ba itirile bakopi ntswa ba na le dithata le ditsompelo tsa go itemela. O kopile baeteledipele go rotloetsa batho go emela temo ka dinao ka ke yone ebileng e ka tshetsa le ba ba sa rutegang. O boletse fa gape dikgafela di supa thulaganyo ya ngwao ya Setswana bogolo jang e e supang serodumo sa bogosi. A re gore dikgafela e bo di bolodiwa kwa kgotleng e bo thobo e felela kwa kgotleng ke sekao sa gore bogosi ke konokono ya botshelo jwa Motswana. A re mo godimo ga moo gape di supa ngwao ka gore dikgafela fa di lerilwe jalo go a bo go lebogelwa thobo mme gape go kopiwa pula. A re go tsisa thobo kwa kgotleng ke gone jaaka ba gwetlha pula gore ba tswelele ba leme gape. Kgosi Mosielele a re ka jalo batho ba seka ba nna dipelo tshetlha fa ba tshwanetse go tsisa thobo kwa kgotleng ka jaana se se ka dira gore dipula le tsone di nne boutsana. A re ba tshwanetse go dira jalo ba golotse dipelo tsa bone gore pula le yone e ne ka tshosologo. A re e re ntswa puso e leka go tokafatsa matshelo a Batswana, ga ba a tshwanela go itepeletsa fela ba sa itirele. A re go lemotshega fa mo malatsing ano Batswana ba thubile kobo segole fela ba lebile mo pusong go ba tshetsa. A re nako e tsile ya gore puso le bogosi di tshwaraganele dikgang tse go bonwe gore meamuso mengwe ya puso e emisiwe ka nako ya temo. A re go bereka ipelegeng ka nako ya temo go itaya batho tsebe e bile go dira gore ba tlogele masimo a sa tlhokomelwe. A re maikaelelo e tshwanetse go nna go fokotsa palo ya batho ba ba fiwang dijo ke puso, mme seo se ka kgonega fa batho ba ka rotloediwa go lema. O boletse fa gape batho ba kabo ba duelelwa thobo ka gore bangwe ba tsaya dipeo ba ya go lema e be ba duelwa mme ba sa tlhokomele dijwalo ba ntsha dijo tse di bonalang. A re se se ka dira gore batho ba thlwaafale ba tlhokomele masimo a bone gore ba tle ba bone dituelo tseo. Molemisi wa kgaolo eo Rre Keabetswe Tlhagwane a re e re ntswa dipula di dikile di le boutsana, balemi bangwe ba ne ba seka ba tswa fela. A re dipula tse di neleng ka kgwedi ya Hirikgong ke tsone di neng di le botoka mme di thusitse balemi go bona sengwe. O ne a rotloetsa balemi go dirisisa mananeo a puso e a ba beileng pele gore ba tokafatse temo ya bone. O ba kopile go agelela masimo a bone go kganela tshenyo e e ka dirwang ke diphologolo. O boletse fa gape ba tsweletse ka go thusa balemi ka maano a go itepatepanya le seemo sa loapi jaaka se tsweletse ka go fetoga. Erile a tswa la gagwe, mopalamene wa Jwaneng/Mabutsane Rre Shawn Ntlhaile a leboga morafe wa Kokong go bo ba bone go tshwanela go tsosolosa ngwao ya dikgafela. A re ba tswelele ba iteke thata ka go atolosa tiro eo mo ngwageng o o tlang. O ba rotloeditse gape gore ba leke go kopanya banaleseabe ka go farologana gore ba arogane ngwao eo le bone e le jaaka ba godisa moletlo oo. A re gape ba tswe ka maano a gore tiro ya go tshwana le e e nonotshe itsholelo ya dikgwebo mo motseng wa bone. A re ba tseye malebela kwa metseng e mengwe gore ba kgone go godisa mokete wa bone o itsege lefatshe leno ka bophara. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Kgang ya bogosi e tsosa tlhatlharuane kwa Mmashoro Kgosi Adam Makobo wa Makobo mo kgaolong ya Legare a re go tlhoka go thokomela leruo go ka rotloetsa gore le utswiwe. E rile a bua le Kgosi Makobo o ne a kgala barui ba ba nnang kwa magaeng kgotsa kwa ditoropong ba seke ba ya go tlhola leruo. A re barui ba mofuta oo ba beile sengwe le sengwe mo badiseng, a kaya fa e bile le leruo ba sa le itse sentle mme go tlhoka go itse leruo ga barui go ka ketefaletse ba sepodisi go ba batlisa fa leruo le utswilwe. A re seo se ka rotoetsa le gore badisa ba nne le seabe mo go utswiweng leruo, go akarediwa go le rekisa kgotsa go le ja nama. A re bangwe ba badisa ba kgona go thokomologa leruo ba itlholela nageng. O supile fa bangwe barui ba sa duele badisa sentle le go ba rekela dijo jaaka ba dumelane mme badisa bao ba felele ba ituela ka go rekisa leruo kgotsa go le tlhaba ba aja le go rekisa nama ya lone. Kgosi o supile fa mo malatsing a gompieno barui ba sa dise leruo fa e se go le bolotsa fela ba le alolela kwa sekgweng, kwa le ka utswiwang motlhofo teng. O gateletse fa batho bangwe ba nna kwa magaeng mme leruo le nna le le nosi kwa merakeng, a thalosa fa ba phakela ba ya go bolotsa phakela le go tlhatlhela maitseboa, mme seo se ka segela magodu a leruo ka fa lefureng. A re Batswana ba tshwanetse go supa mowa wa lorato le tirisano mmogo ka go bopa makgotlana jaaka la ntebela ke go lebele. Kgosi o gateletse fa ba sepodisi ba leka go lwantsha bogodu jwa leruo mme ba ka seke ba kgone ba le nosi go sena seabe sa morafe. A re barui ba tshwanetse go tsenya leruo malengana, go le tshwaya le go le tshuba ka tshipi gore go nne mothofo go le bona fa le timetse. A re e bile se se ka fokotsa bogodu jwa leruo. O gateletse fa batho ba ba rekang leruo kgotsa dinama ka bokukuntshwane le bone ba rotoetsa bogodu jwa leruo, a kaya fa leruo le dinama di tshwanetse go rekisiwa ka tsamaiso ya semolao. E rile a itebaganya le kgaolo ya gagwe ya Makobo, Kgosi Makobo a kgala dingwe dibuchara tse a reng di rotoetsa bogodu jwa leruo ka go reka leruo ba sa sala tsamaiso ya semolao morago, mme e bile bangwe ba dira se ba itse fela sentle fa leruo leo le utswilwe. A re seemo sa bogodu jwa leruo mo kgaolong ya gagwe bo gakatswa gape ke gore tsela ya Francistown-Orapa e feta fa thoko ga motse wa gagwe, ka jalo leruo le le utswilweng kgotsa dinama di tsamaisiwa go diriswa tsela eo. Kgosi o thalositse fa palo ya mapodise ba ba direlang mo Makobo e sa lekana mme a re o aga a gakolola morafe wa gagwe mo diphuthegong tsa kgotla go thusana le mapodise mo go lekeng go lwantsha bogodu jwa leruo. A re mangwe magodu a leruo ke bana ba mo Makobo mme morafe o a ba itse, mme ba itlhophetse go bipa mpa ka mabele, a kaya fa kgang ya gore ‘nna ga di nkame’ e ka dira gore magodu a leruo a seka a tshwarwa, mme a konetelela ka go kopa setšhaba go bega sepe fela se ba belaelang se amana le bogodu jwa leruo. BOKHUTLO politics 7 Bomme ba tsene mo mokgatlhong Mokgatlho wa bomme wa Botswana Homeless and Poor People’s Federation o tokafatsa itsholelo ya bomme mo kgaolong ya Borwa Botlhaba. Fa a bua mo thuto-puisanyong ya mokgatlho o mo Ramotswa bosheng, modulasetilo wa khansele ya Borwa Botlhaba, Rre Phenyo Segokgo o ne a supa fa bomme ba eme ka dinao go tokafatsa matshelo a bone. O supile fa makhanselara ba ne ba etela kwa toropong ya Francistown go ya go tsaya malebela gore ba ka nonotsha matshelo a batho jang. Mokhanselara Segokgo o ne a supa fa ba ne ba tsaya malebela mo go bomme ba Francistown, ba ba neng ba setse ba dirile mokgatlho o o bidiwang Federation Group wa go tokafatsa itsholelo ya bomme. O supa fa bomme bao ba ipopile ditlhopha, mme ba tla ka megopolo ya go itirela dikgwebo le go boloka madi. O ne a supa fa ba ne ba nna le kgatlhego, ka ba feletse ba tla ka mogopolo oo go o diragatsa mo kgaolong ya Borwa Botlhaba. Rre Segokgo o ne a tlhalosa fa a sa dumele gore go na le motho yo go tweng ke mohumanegi, a supa fa lehuma le simolola mo tlhaloganyong ya motho. O ne a tlhalosa fa motho a tshwanetse go akanya, go tla ka megopolo le go e diragatsa go tlhabolola botshelo jwa gagwe. Mokhanselara Segokgo o ne supa fa puso e na le maikaelelo a gore ka 2030 go bo go sena yo o saletseng kwa morago le matshelo a botlhe a bo a tokafetse. O ne a leboga ba banka ya Botswana Building Society go bo ba thusa ba mokgatlho wa Federation Group ka go ba bolokela madi le go ba agela matlo. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Puso wa Batlokwa o tlhalositse fa mokgatlho wa Federation o le botlhokwa ka o rotloetsa mowa wa go dira mmogo le go aga setshaba. O ne a supa fa o tsosa mowa wa go itirela, go rotloetsa go boloka madi le go simolola dikgwebo tse dipotlana. Kgosi Puso o ne a kgothatsa bomme ba mokgatlho wa Federation Group go tshwara ka natla, go tsaya boikarabelo jwa go dira mmogo ka lorato, kagiso le go tsepama. O ne a ba kgothatsa go ema nokeng ditiro le mananeo a a dirwang mo metseng ya bone, go aga lefatshe la bone. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Mosadi Seboko wa Balete o supile boitumelo go bona bomme ba eme ka dinao go itirela go tlhabolola matshelo a bone. Kgosi o ne a supa fa mme e le thari ya setshaba, a eletsa go ba bona ba godile le go tsaya maikarabelo a malwapa a bone. O ne a tlhalosa fa mananeo a le teng, ba na le seabe sa go a akola gore ba seka ba tlogela ope kwa morago. BOKHUTLO society 9 Dikgosana di tswanetse tsa nna seopo sengwe Dikgosi tsa dikgotla di tshwanetse go ikitse le go nna seopo sengwe e sere gongwe ba tsenya mhoholela mo gare ga bone mme ba tloga ba iphitlhela ba latlhile merafhe. Mafoko a, a builwe ke modulasetilo wa lekgotla la dikgosana wa kgaolo ya Ngwato Legare, Kgosi Jakoba Gaamangwe wa kgotla ya Sengwato, mo thutopuisanong ya magosi mo Serowe bosheng. Kgosi Gaamangwe o buile fa moono mogolo wa puisano e, e le go ipaakanyetsa phuthego kgolo ya lekgotla leo e e tlaa tshwarwang kgwedi eno e ya fifing mo Serowe. O tlhalositse fa dilo di le dintsi tse di fatlhang e bile di ba kgaoganya mme ke nako ya gore ba kopane go ipua e le ba kgaolo ya Serowe go ntsha megopolo e e ka baakanyang melao le go tshwaragana jaaka dikgosi. Kgosi Gaamangwe a re therisanyo ke mothao o o nitameng wa lefatshe leno, ga mmogo le go direla dilo mo pontsheng go rotloediwa thata ke puso. A re mme fa ba ka itlhokomolosa dilo dingwe tse magosi a a mo kgotleng e tona a di tseelang tshwetso, morafe o tlaa ba tlhoboga ka bogosi jo bo ikgaoganyang bo swahala. A re e le dikgosi tsa dikgotla ba a etsaetsega ka fa dilo dingwe di dirwang ka teng, mo dikgang dingwe di setseng di ile kwa dikgotleng tsa tsheko ka ntata ya tsamaiso e e sokameng. Kgosi Moletsane Lerubisi wa kgotla ya Makolojwane o ne a kopa magosi mo kgaolong ya Ngwato go kgothatsa morafe go kokoanyetsa phuthego kgolo e e tlang madi a ba a kopilweng. Kgosi Lerubisi o tlhalositse fa madi ao a tshwanetse go romelwa le baemedi ba ba tswang mo kgaolwaneng nngwe le nngwe gore phuthego eo e atlege. O ne a gakolola batsena thutopuisano eo gore baemedi ba ba yang phuthegong kgolo ba tshwanetse ba bo ba na le setlankana sa boloko. Kgaolo ya Ngwato Legare e bopilwe ka dikgaolwana tsa Mothamo, Letlhakane, Paje le metse e e mo tikologong ya Serowe. politics 7 Ditshupo tsa Kgalagadi di pharologanyo Modulasetilo wa komiti e e baakanyetsang ditshupo tsa Kgalagadi Borwa Rre James Sampson a re ditshupo tsa monongwaga di tsile go nna pharologanyo fa di tshwantshanngwa le tsa dingwaga tse fetileng. Mo puisanyong le Modulasetilo o tlhalositse gore fa e sale ba le malala a laotswe go baakanyetsa ditshupo tseo mo tshimologong ya ngwaga e le tsela nngwe ya go tsaya nako ba ipapatsa le go laletsa setshaba. O ne a tlhalosa gore le ntswa ditshupo tsa Kgalagadi Borwa di sa tshwarwa ngogola ka lebaka la letlhoko la barotloetsi, ngwaga ono komiti e tshwaragane le badirelapuso e itomile molomo wa tlase go tlhomamisa gore ditshupo tsa ngwaga ono di tokafetse go nna tsa boleng jo bo kwa godimo. O ne a tlatsa ka go re ba ikaelela go supa loruo lo lontsi lwa boleng jo bo kwa godimo le disupiwa tse di ntsi tsa maemo a ntlha. Rre Sampson a re mo nakong ya gompieno ba setse ba kgonne go gopa lobala, go aga masaka, dioko tsa dikoko le go baakanya fa metlaagana ya bagwebi ba ba botlana, puso le dikompone tse di ikemetseng di tlaa bewang teng e e fetang masome a mane. A re metlaagana e tlaa simololwa go agwa kgwedi eno e le masome mabedi le bone bagwebi ba ntse ba tsweletse ka go ipaakanyetsa go rekisa kwa ditshupong tseo, fa dikgaisanyo tsa bommabontle tsone di tlaa tshwarwa kgwedi eno e le masome a mabedi le bosupa. O kaile fa ditshupo tsa monongwaga di tlaa jesa leitlho la molebeledi monate ka gareng ga tse di natefisang e le mabelo a dipitse, dikammela, mmino wa polka, dikhwarele, kgwele ya dinao le tse dingwe. Modulasetilo a re go tlhoka barotloetsi mo ditshupong tsa kgaolo ya bone go na le seabe se sentsi mo kgolong ya ditshupo ka ba felela ba sena madi ape a a ba salaleng go tsweledisa mo ditshupong tseo ngwaga le ngwaga. Le fa go ntse jalo modulasetilo o boletse fa ngwaga ono ba na le kemedi ya banana ba kgaolo ba ba berekelang kwa ditoropong go ba thusa go baakanyetsa ditshupo ka go ba batlela barotloetsi mme mo nakong ya gompieno lekalana la CEDA le BHC e le bone fela ba itshupileng ka go rotloetsa ka ka P30 000 le P20 000 ka go latelelana. A re le ntswa komiti e tlhaelelwa ke madi, madi a kgorwana le a metlaagana a tlaa thiba diphatlha tse dingwe go duelela metshameko le badiragatsi tsa banana ba kgaolo eo ba ba tlaa bong ba natefisa mo letsatsing leo. Rre Sampson o boletse fa a solofetse palo e ntsi ya balemi- barui go tla go supa loruo lwa bone le tsa temo tse di lengwang mo kgaolong eo di akaretsa marotse, magapu, mmidi, dinawa, disupiwa tsa ditiro tsa diatla le tse dingwe. A re sebui sa tlotla e tlaa bo e le mogolwane go tswa kwa CEDA go tswa Gaborone. O kaile fa gape ba solofetse bontsi jwa batho go tswa mo dikgaolong tse di farologanyeng mo lefatsheng leno, dikompone tse di farologanyeng gareng ga tse dingwe BMC, Mascom,Legal Aid Botswana, FNB, Baclays Bank, MVA le tse dingwe go ipapatsa le go isetsa Batswana ditirelo mo ditshupong tseo. BOKHUTLO politics 7 Ba ngongorega ka ditsela Banni ba Dibete, Mookane le Mmaphashalala ba re ere ka Setswana se re ‘moseka phofu ya gaabo ga swe lentswe’, ba tla tswelela ka go kopa mopalamente wa bone go tshwenya puso ka go tshela ditsela tsa kgaolo eo sekonotere. Ba boletse se, mo diphuthegong tse di neng di buisiwa ke mothusa tona mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso, gore ere ntswa ba sale ba solofeditswe fa ditsela tseo di tla tshelwa sekonotere mo dingwageng tse di fetileng, ba swabisiwa ke go bona puso ele moriti o tsididi mabapi le go tokafatsa seemo sa ditsela tseo; tse ba tlhalositseng fa di sa tsamaege ntateng ya dikhuti Ba re fa puso e ka tshela tsela e tshwaraganyang metse ya Dibete, Mookane, Mmaphashalala, Dovedale, Kudumatse, Makwate le Machaneng sekonotere, e tlaabo e imolotse batho ba ba tswang mo Botswana go ya Aferika Borwa le ba ba tswang kwa lefatsheng leo go tsena mono mokgweleo wa go tsamaya mosepele o moleele go ya go kgabaganya molelwane kwa Martins-Drift boemong jwa go dirisa molelwane wa Parshalt. Le fa banni ba metse eo ba itumeletse ditlhabololo tse di dirilweng ka lenaneo la Ipelegeng le nyeletso lehuma mo metseng ya bone, ba ngongoregetse tiego ya go thusa batho ba ba ikopetseng mananeo ao, letlhoko la motlakase mo dikagong tsa mmuso, tlhaelo ya boroko jwa badirelapuso, tlhaelo ya metsi, ba bo ba tlhalosa fa le bone ba eletsa go bona tautona a etetse metse ya bone. Ba tsweletse ka go akgolela mopalamente wa bone go dirisana le bone sentle mo dingwageng tse tlhano tse ba neng ba mo tlhophile go nna moemedi wa bone kwa palamenteng ka jaana a kgonne go thusa batho bale bantsi mo kgaolong ya gagwe ka lenaneo la nyeletso lehuma le LIMID go tlhabolola matshelo a bone. E rile Mme Tshireletso a buisa diphuthego tseo, a solofetsa fa ditsela tsa kgaolo eo di tla tshelwa sekonotere fa seemo sa itsholelo se ka tokafala. A re ere ntswa tsela e tshwraganyang metse eo ene ele mo lenaneong la go dirwa, sebe sa phiri e nnile letlhoko la madi le le bakilweng ke go phutlhama ga itsholelo ya mafatshe mo go neng ga pateletsa mmuso go seegela ditiro dingwe kwa thoko Mme Tshireletso o tsweletse ka go kgothatsa batlhophi ba kgaolo ya gagwe go ipaakanyetsa ditlhopho tsa setshaba tse di tla tshwarwang kgwedi ya Phalane ele masome a mabedi le bone monongwaga gore ba kgone go ya go dirisa tshwanelo ya bone ka go tlhopha baemedi ba ba bonang bana le bokgoni jwa go tsamaisa merero ya lefatshe leno. Kgosi ya Mmaphashalala Rre Captain Kemmapatse Bagatiseng o kopile baemedi ba setshaba jaaka bontlhopheng ba diphathi tsa sepolotiki go itshwara sentle le go dirisa mafoko a ka sekang a tswebera maikutlo a batho ba bangwe. A re ere ntswa ba sena tshwanelo ya go akgela mo dipolotiking ele magosi le setshaba, ba tshwenngwa ke mapolotiki a jaanong ba dirisang sepolotiki mo mafelong a setshaba jaaka dikgotla. Bokhutlo politics 7 Balaodi ba tshwanetse go dirisana le dikomiti Mogokaganyi wa ofisi ya ditogamano tsa puso kwa lephateng la selegae le ditlhabololo tsa dikgaolo Rre Lewis Malikongwa o gwetlhile balaodi ba dikgaolo tsa bokone go tshwaragana le dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse (VDC). Rre Malikongwa o buile seo kwa bokopanong jwa botlhano jwa dikomiti tsa tokafatso maduo tsa bokone (Work Improvement Teams) (WITS) jo bo neng bo tshwaretswe kwa Maun ka bosheng. A re balaodi ba tshwanetse go lomagana le baeteledipele ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse gore ba nne le kitso e e ka itumedisang batho ba ba tlhokang ditirelo mo dikhanseleng. Rre Malikongwa o gwethile badirelapuso go fetola ditlhaloganyo le dikakanyo tsa bone gore ba dire tiro ka natla. “Re tshwanetse go fetola maitsholo a rona mme re beye matlhoko a batho pele, re tshwanetse go lebala ka borona go fa batho ditirelo,” o tlhalositse jalo. Rre Malikongwa o ne a supa gore bodirelapuso bo teng ka jalo batho ba ba tlhokang ditirelo, ba tshwanetse go thusiwa sentle ka dinako tsotlhe. Rre Malikongwa o ne a akgola ba Khansele ya Bokone Bophirima, a re go supa fa ba gatetse pele ka lenaneo leo la go bereka ka ditlhopa, ka go supafetse fa ba na le mananeo a masha le tshwaragano le maphata a mangwe. E rile a amogela ba tsenelela bokopano mothusa Kgosikgolo ya Batawana Rre Bringle Dithapo a re go botlhokwa go tokafatsa maduo.BOKHUTLO politics 7 Tsokotshaa o nyoretswe mananeo Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Tsokotshaa kwa kgaolong potlana ya Tutume, Rre Johannes Gabalekane, o supile fa bontsi jwa banni ba motse o ba supa kgatlhego tebang le mananeo a puso ka go farologana ga one. Rre Gabalekane o buile jalo mo potsolotsong bosheng, mme a tlhalosa fa banni ba motse ba nyoretswe go ka dirisa mananeo go tlhabolola matshelo a bone ka jaana ba tsweletse ka go a ikwadisetsa ka dipalo tse di kwa godimo. A re bangwe ba ikopetse a nyeletso lehuma a akaretsa la kapei ya borotho, go roka, go lema ditshingwana tsa merogo, fa bangwe bone ba ikopetse a thuo ya dihutshane le a mangwe a a akaretsang a temo thuo ka go farologana. Modulasetilo o bile a tlhalosa fa bangwe banana le bone ba ikopetse madi go simolola dikgwebo mme a supa gape fa bangwe ba setse ba amogetse tse ba di ikopetseng e bile ba simolotse ditiro tsa bone ka go farologana. O ne a tlatsa ka go tlhalosa gore bangwe le bone ba setse ba tseneletse ithutuntsho ya go tlhokomela mananeo a ba ikopetseng fela ba letile go abelwa didirisiwa tse ba di ikopetseng. Go sale foo, Rre Gabalekane a re le fa baikopedi ba dira ka gotlhe gore mananeo a bone a seka a phutlhama, letlhoko la motlakase ga mmogo le dipalamo tsa sechaba mo motseng di ba beile ka fa mosing. A re mangwe mananeo a akaretsa go loga le go dira moriri a tlhoka motlakase go re didirisiwa tsa teng di bereke. Rre Gabalekane a re le fa ba fiwa difetlhamotlakase, sebe sa phiri e nna gore di tshabelelwa ke go senyega mme di tseye lobaka go baakangwa seo se felele se ama lenaneo. O tlhalositse gape fa letlhoko la dipalamo tsa sechaba le seemo sa tsela se se sa siamang di berekisa bangwe ba ba tsereng mananeo ka thata. A re seemo se se dira gore go nne thata gore baikopedi ba ka rwala dithoto tsa bone go di rekisa mo metseng e e gaufi kgotsa go ipapatsa. O bile gape a tlhalosa fa seemo se se dira gore go nne thata gore beng ba mananeo ba ka ikopanya le diofisi tse di maleba go kopa tharabololo ya dikgwetlho tse di tlhagogang tebang le mananeo. BOKHUTLO politics 7 Maloko a gakolotswe go nna badiredi ba tlhwatlhwa Maloko a lekgotla la National Amalgamated Workers Union ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba gwetlhilwe go fetola maikutlo a bone le go dira ka natla mo ditirong tsa bone jaaka go tlaa bo go tsenwa no ngwageng o mosha wa 2015. Se se beilwe pele maloko a lekgotla leo e le molaetsa wa bofelo wa malatsi a botsalo jwa Morena le go amogela ngwaga o mosha mo phuthegong e e neng e tshwaretswe kwa Masunga bosheng. Modulasetilo wa lekgotla leo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Osego Batswana o ne a kopa maloko go nna boikanyego le go nna boineelo mo ditirong tsa bone gore ba nne badiredi ba ba eletsegang mo setshabeng. Rre Batswana a re maloko a tshwanetse a tsena mo ngwageng wa 2015 ba ikiteile dihuba go bereka ka mashetla, e le ka maikaelelo a go ntsha maduo mo tirong epe fela e ba tlaa bong ba e tshwere. A re go a tshwenya ka jaana dipatlisiso di supa fa go na le babereki bangwe ba ba sa kgathaleng ka ditiro tsa bone, mme boemong jwa moo ba adime tshwene marapo. Ka jalo, o ne a itela mo malokong ka ene gore mo ngwageng wa 2015 le go ya pele, ba seka ba amega mo mekgweng epe e e ka amang go ntshiwa ga maduo mo ditirong. Mo go tse dingwe, modulasetilo o ne a kgalema a sa kgwe mathe, a re maloko a tshwanetse a itlama go fetola maikutlo a bone kgatlhanong le go amega mo ditirong tsa botlhoka tsebe le go utswa, bogolo jang fa ba direlang teng, a re ba itse fa go dira jalo go na le ditlamorago tse di sa siamang tsa go latlhegelwa ke ditiro. A re leloko la motia la lekgotla leo la babereki, le le itseng maitlamo le maikaelelo a lekgotla leo tebang le ditshwanelo tsa mmereki, ga le a tshwanela go amega ka gope mo ditirong tsa botlhoka tsebe mo tirong. Rre Batswana o boletse fa go ngomola pelo go bo go nnile le dikgang tsa kgalemo di le supa mo ngwageng ono wa 2014 mo kgaolong ya bone, tse mo go tsone babereki bangwe ba ileng ba latlhegelwa ke ditiro. A re ka jalo, o kopa bao ba ba santseng ba na le mokgwa o o ka bakang gore ba isiwe fa pele ga lekoko la kgalemo mo tirong, go boela morago mokgwa oo ka ponyo ya leitlho. Mogolwane yoo a re ba tshwanetse ba tlhaloganya fa mohiri fela jaaka bone, a ka seke a rate sepe se se sa mo itumediseng mo babereking, a re ba itse fa tiro ya bone, ditshwetso tsa bone le botshelo jwa bone e le maikarabelo a bone go bona gore tsotlhe di mo maemong a a ntseng jang. Mo godimo ga moo, modulasetilo o kopile maloko go tshwaragana le go tla ka megopolo e mesha e e ka thusang go tlhabolola lekgotla go tswelela le diragatsa maitlamo a lone sentle. Rre Batswana o ile a eleletsa maloko katlego mo malatsing a keresemose le ngwaga o mosha, a ba gakolola go ikela tlhoko mo ditseleng jaaka ba tlaa bo ba tsaya maeto le mo ditshwetsong dipe fela tse ba tlaa bong ba di tsaya. society 9 Komiti e batla lefelo la tlhokomelo ya bagodi Mothusa mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo kwa Dibete, Rre Keoagile Solomon, a re go botlhokwa gore motse o nne le lefelo le go tlhokomelelwang bagolo mo go lone. Rre Solomon o tlhalositse mo potsolotsong gore seemo se bagolo bangwe ba tshelelang mo go sone se ngomola pelo e bile se tlhoka go tsibogelwa ka bofefo. A re go na le bagolo ba le bantsi ba ba nnang fela ba sena batlhokomedi ntswa ba sa kgone go itirela sepe mme go baya botsogo jwa bone mo diphatseng. E re ka maoto a nong e le phofa mme bagolo ba bone ba itulela fela ntle le ope yo o santseng a nonofile yo o ka ba tswang maoto, go tshwenya komiti ya ditlhabololo tsa motse go bona batsadi ba sokola. Rre Solomon o boletse fa ba setse ba kile ba buisana le ba lephata la botsogo gore ba tshwaraganele go aga lefelo le ka lone bagolo ba go nna jalo ba tlaa kgonang go bona tlhokomelo e e botoka. O tlhalositse fa mo nakong e e fetileng go kile ga nna le lefelo la go nna jalo le mo nakong eno le sa tlholeng le le mo tirisong mme ba ititeile sehuba go bona gore lefelo leo le boela mo tirisong. Mo go tse dingwe, Rre Solomon a re lenaneo la Ipelegeng le tsweletse sentle mo motseng wa bone e bile ba tsweletse ka go tlhabolola motse ba dirisa lenaneo leo. A re ba emetse didirisiwa ba bo ba simolola go shafatsa matlo a barutabana le go aga ofisi e ntsha ya badirela puso. A re le fa ba atle ba lebagane le kgwetlho ya babereki ba ba sa tseeng tiro e ka tlhwaafalo ba eteleditse boitseme ko pele ba bua le bone go ba lemotsha gore ditiro tse ba di dirang di tswela bone e le banni ba motse mosola. Rre Solomon a re le babereki ka bontsi ba ithusa thata ka madi a ba a amogelang mo lenaneong la Ipelegeng ka e bile bontsi jwa banni ba Dibete ba sa dire gope ba itshetsa fela ka go itirela ka diatla tsa bone. O buile fa bangwe ba setse ba ipeetse dikamore le go itsenyetsa dipompo tsa metsi mo malwapeng e le ka dikatso tse ba di bonang mo Ipelegeng. O tsweletse a tlhalosa gore le komiti ya gagwe e tsweletse ka go leka go dira pharologanyo mo motseng ka go nna ba sela matlakala mo motseng le go phepafatsa diofisi tsa bodirelapuso. society 9 Go tshela ka bo-na-le bogole ga se sekgoreletsi Go tshela ka bogole ga se sekgoreletsi mo botshelong, ka motho a ka kgona go dirisa botsipa jwa gagwe go ka itshela metsi mo ganong. Se se builwe ke Rre Tibere Tlhogo wa dingwaga tse di masome marataro le bosupa yo o tlholegang kwa Lokgwabe, jaaka a ne a tlhalosa fa go tshela ka bogole jwa go tlhoka maoto go sa mo kgoreletse mo botshelong go ka itirela ka diatla. O tlhalositse fa a itshetsa ka go suga le go roka matlalo, mme a supa fa botsipa joo a bo anywile ka nako ya fa ba lephata la thuto ga e golelwe ba ne ba mo isa kwa dithutong tsa go roka diaparo go dirisiwa matsela. Rre Tlhogo a re ka maswabi, o ne a seka a kgona go ka tsweledisa go roka matsela ka jaana a ne a sena dirisiwa tse di rokang. Ka jaana lerato lwa gagwe le ne le phophoma mo thokong ya matlalo, ka lesego ba khansele -potlana ya Hukuntsi ba ne ba mo romela kwa sekoleng, go ya go ithuta go suga matlalo. A re ga a ise a lopiwe dituelo dipe mo ithutuntshong eo, a re ntswa a ne a tla a na le kitso ka matlalo, o fetile a ithuta go le go ntsi, mme khansele ya nna ya mo tsamaisa tshipidi tonto le gone go mo thusa go bapatsa dithoto tsa gagwe. O tlhalositse fa dithoto tse a di dirang di akaretsa diphate, mabante, dihutshe le ditlhako tse gantsi di tsewang ke bone ba khansele le ba thuto ga e golelwe go ya go di supa kwa ditshupong, tse a tlhalosang fa gantsi di kgatlha matlho a bareki. A re le fa go le jalo, o kopana le dikgwetlho ka jaaana ene a dirisa matlalo a dipodi le dikgomo mme a supa fa bontsi jwa bareki ba rata matlalo a diphologolo tsa naga. Are ka go tlhoka lesego, ga a na teseletso ya go gweba ka matlalo a diphologolo tsa naga, selo se a reng se ama tiro ya gagwe. Le fa go ntse jalo, a re o tsentse kopo kwa go ba lephata la boipelego go mo tswa thuso ka lenaneo la nyeletso lehuma. A re ka lenananeo la lenyetso lehuma o ka kgona go rekelwa didirisiwa tse a di tlhokang ka jaana letlalo le na le mmereko o montsi go le dira gore le nne mo seemong sa go dirisiwa go sega, ka go batla boitseanape le didirisiwa tsa maemo a ntlha. O ne a tlatsa ka go re o kopile gape gore ba mo thuse ka teseletso ya go gweba ka matlalo a diphologolo, ntswa go tsaya lebaka gore ba mo fe phetolo. O supile fa a kile a tsenelela dikgaisanyo tsa malatsi a ga Tautona ka ngwaga wa 2015, mme a ne a kgona go tsaya maemo a bobedi mo kgaolong, le fa a ne a sa dira sentle kwa legatong le le kwa pele. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Thuto boswa jwa sennela ruri Mokwaledi wa toropo ya Jwaneng, Rre Dick Kalantle o rotloeditse baithuti ba kgaolwana ya Hemasokwe go tsenya marapo nameng mo dithutong tsa bone ka thuto e le boswa jo ba ka sekeng ba bo tseelwe ke ope. E rile a bua kwa Makopong mo moletlong o o neng o dirilwe ke sekole se se gaisitseng tse dingwe mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa ngwaga o o fetileng, Rre Kalantle a tlhalosa fa a itlamile go thusa dikole tse di potlana tsa Hereford, Makopong, Sam Mackenzie, Kokotsha le Werda go tokofatsa maduo. O tlhalositse fa a rotloetsa dikole tseo ka lenaneo la Adopt a School go fitlhelela ka 2017 ka go abela sekole se se gaisitseng tse dingwe ka maduo a lekwalo la bosupa ka kopi le P500.00 a bo a abela komiti ya batsadi le barutabana P500.00 mo sekoleng seo le go neela barutabana ba ba neng ba ruta bana ba lekwalo la bosupa ditlankana e le tsela nngwe ya go ba rotloetsa. A re o simolotse lenaneo la Adopt a School ka 2011 ka go abela sekole sa Sam Mackenzie dimpho tseo ka se ne se dirile sentle nako eo, a kaya fa ngogola e ne ele sa Makopong. O kaile fa puso e leka ka bojotlhe go tokafatsa seemo sa thuto mo lefatsheng leno mme a gwetlha batsadi go emela thuto ya bana ba bone ka dinao ka go tshwaragana le barutabana le ba-na-le seabe botlhe. O kaile botshelo bo ne bo le boima fa ba tsena sekole ka go ne go sena dirisiwa tsa maemo a a kwa godimo jaaka mo nakong eno e bile ba ne ba tsena sekole ba tswa merakeng mme seo sa dira gore ba tlhoafalela thuto ya bone gore ba nne le bokamoso jo bo itumedisang. Mogokgo wa sekole se se golwane sa Emang kwa Ntlhantlhe, Rre Donald Seitsang o kgothaditse baithuti go itebaganya fela le tsa thuo mme ba tswe mo ditirong tsa botlhoka tsebe. Rre Seitsang o kaile fa e le sekao ka e le moithuti wa pele wa sekole seo a supa fa ba ne ba rutelwa ka tlase ga ditlhare ka go ne go sena matlo a borutelo. O tlhalositse fa go tlhoka go tsena sekole sentle le go tsaya dithuto ka tlhoafalo e le dingwe tse di ka dirang gore ba seka ba dira sentle mo dithutong tsa bone. O tsweletse a gakolola baithuti go tsaya tsia thuto ya bone ka go eletsa go ithuta ba sa salwe morago le gone go nna le tlotlo mo batsading ka go nna le boitshwaro jo bo eletsegang mo setshabeng ka seo se ka ba thusa thata go atlega mo dithutong tsa bone. Rre Seitsang o ntshitse dimpho di akaretsa dibuka tsa lekwalo la ntlha go ema ka la bosupa go tswa mo go ba kompone ya Shell le P1200.00 yo o tswang mo lwapeng lwa gagwe le mongwe wa morutabana kwa sekoleng sa gagwe. Molomaganya ditirelo tsa maduo mo lephateng la thuto kwa Kgalagadi, Mme Neo Tsietso o kaile fa lephata le itlamile go tokafatsa seemo sa thuto mo lefatsheng leno gammogo le go rutuntsha barutabana go itepatepanya le seemo sa thuto sa nako eno ka go ba isa thuto puisanong kgapetsakgapetsa ka seo se ka thusa thata mo go abelaneng maele mo go tsa thuto. Mme Tsietso o lebogetse tiro e ntle e Rre Kalantle a e dirang le botlhe ba ba nnileng le seabe mo go tlhabololeng thuto mo lefatsheng leno ka lenaneo la Adopt a School mme a ba kopa go tswelela ba dira jalo ka seo se tla thusa go tokafatsa maduo a dikole mo kgaolong eo. E ne e rile go le pele a amogela baeng mo moletlong oo, mogokgo wa sekole se sebotlana sa Makopong, Rre Frans Brooks a gwetlha batsadi go tshwaragana le barutabana mo dithutong tsa bana ba bone ka thuto e le botlhokwa fela thata. O kaile fa go le botlhokwa go ruta bana maitseo ba sa le ba botlana ka lore lo ojwa lo sa le metsi. O kaile fa lenaneo la Adopt a School mo kgaolwaneng ya HEMASAKOWE le tla tswelela ka go dira pharologanyo mo dikoleng le mo baithuting ka le ba rotloetsa go ithuta le go dira ka botswerere le natla mo dithutong tsa bone. ENDS education 4 Metlhala ya khumo e mentsi Motswana o tlhalositse fa metlhala ya khumo e le mentsi mme e tlhoka ene yo o ka e salang morago. Thanolo ya seane se, e supiwa ke Rre Mathata Mododo wa dingwaga tse di masome mararo le bobedi wa Maun yo o itshetsang ka go rekisa dijo. Rre Mododo o supile fa madi a le mantsi mo mmileng mme a tlhoka batho ba ba nang le maikemisetso a go a latela, e bile a supa fa a dumela fa a bone borekhu fa bontsi jwa banana ba tshabang go tsenya tlhogo teng. O supile fa a simolotse kgwebo ka 2013 a rekisa dimonamone mo Maun go fitlhelela ka 2016 fa lephata la nyeletso lehuma le ne la mo thusa ka go mo rekela dilwana tsa kapei tsa P15 000. A re se, se ne sa mo tiisa moko ka gore ke monana yo o ratang kapei go tswa bonyaneng. O supile fa go le gantsi banana e le batho ba ba sa rateng go rekisa mo mebileng. “Bontsi jwa banana ba dumela fa tiro ya go rekisa e se ya bone mme ba tshwanetswe ke go tlhola mo dikantorong tse di magasigasi ka ba dumela fa madi a le mantsi mo pusong.” Mme se ga se se Rre Mododo a se dumelang. A re o lemogile fa go na le tumelo ya gore tiro ya go rekisa mo mmileng, bogolo jang dijo e le ya bomme mme se e se boammaaruri. Rre Mododo o supile fa mo letsatsing a dira madi a a molekaneng go ka itshetsa, a tlhalosa gore makalana a puso le one a mo thusa thata ka nako tse dingwe ba mo fa tiro ya go ba apeela, bogolo jang fa ba na le mediro. O supile fa se se mo fa ledula mo pelong mme se dira gore a tlhokomele kgwebo ka bo tswa pelo. A re nako e ntsi bankane ba gagwe ba nyenyefatsa tiro ya gagwe mme a kopa banana go itsaya motlhala gore ba itse se tota ba se batlang mo botshelong. A re fa ba batla go tswelela sentle mo botshelong ba tshwanetse go tsaya kgwebo ka tlhoafalo go sa kgathalesege gore ke kgwebo ya mofuta mang. Rre Mododo a re ntswa bagwebi ka ene e le bomme, e bile bontsi jwa bone e le bagolo, se ga se mo kgobe marapo ka gore o ipapatsa ka mefuta e e farologanyeng. A re o tsenya dijo tsa gagwe mo mafaratlhatlheng a sesha mme bontsi bo mo latele kwa a rekisetsang teng ka gore o tsenya le kaedi e e supang faa rekisetsang teng. O supile fa go ipereka go tlhoka motho yo o itlhaloganyanag a se boitseme mo tirong e bile a tlotla nako. O supa fa puso e na le mananeo a le mantsi a a farologanyeng, a kgothatsa banana go ka ikemela ka dinao go ithusa ka nako eno e se ya go ka leba mo pusong gore e ba tlhamele ditiro. Ntswa madi a seke a nna mantsi, Rre Mododo o supile fa go boloka bontlha bongwe jwa dipoelo go le botlhokwa. A re makalana a a bolokelang batho madi a mantsi, ka jalo ga go na yo o ka reng ga gona banka kwa a nnang teng. O supa fa go boloka go le botlhokwa ka nako e kgwebo e leng kwa tlase ka yone motho a kgona go thiba diphatlha ka se a se bolokileng. A re go lemogeng fa dituelo tsa puso di tsaya lebaka go tswa, o feletse a ithuta ka tsa go boloka gore e re a santse a letile lemme go tswa kwa pusong a bo a ntse a tsweletse. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Thuto e botlhokwa Mothusa mookamedi wa lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng, Rre Bokhutlo Modukanele a re matlhotlha pelo a a bakwang ke dikotsi tsa tsela a ka emisiwa ka go ruta setshaba botlhokwa jwa ipabalelo tseleng. Rre Modukanele o buile se mo ithutuntshong ya ipabalelo tseleng ko Moshupa bosheng. A re go lemotshegile fa dikotsi dingwe di bakwa ke bakgweetsi ba ba itlhokomolosang matshwao a tsela. O tlhalositse gape fa bakgweetsi bangwe ba batla go laolwa ke mapodisi mo ditseleng, selo se a se kgadileng fela thata. A re ke tshwanelo ya mokgweetsi mongwe le mongwe go tsaya boikarabelo jwa go itshireletsa le go sireletsa badirisi ba tsela ka ene. A re dikotsi tsa tsela di gapa segolobogolo matshelo a borre ka bontsi ba e leng bone ditlhogo tsa malwapa mme ba tlogele bohutsana mo malwapeng. O kaile fa mo ngwageng o o fetileng batho ba latlhegetswe ke matshelo ba le makgolo a mane le lesome le motso. Ka jalo o kopile bakgweetsi go obamela matshwao a tsela le go netefatsa fa dikoloi tsa bone di itekanetse go tsamaya mesepele e meleele. Rre Modukanele o ne gape a gwetlha bapalami go lesa mokgwa wa go tsenya bakgweetsi mo kgatelelong ya go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng. E rile a ntsha la gagwe, Kgosi Moanakwane Keloneilwe wa Goo-Kodisa o ne a bolela fa melawana mengwe ya tsela e siilwe ke nako ka jalo e tlhoka go sekwasekwa sesha go e tokafatsa. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Dipula tsa matlakadibe di sentse kwa Goshwe Dipula tse di neleng ka Laboraro maitseboa kwa Goshwe di tlogetse batho ba malwapa mangwe ba sena fa ba latsang tlhogo teng morago ga gore matlo a bone a tsewe ke phefo. Mo potsolotsong le Mme Kobela a re pula eo e ne ya gosomana diuora di ka nna pedi mme ya rutlolola ntlo ya gagwe ya dikamore tse pedi ya tsaya marulelo ya a latlhela kwa patlelong ba sala mo legoeleleng, ka lesego ga seka ga nna ope yo o golafetseng. O tsweletse a bolela fa dilwana di amilwe thata ke metsi e bile le ngwana wa gagwe yo o neng a filwe thendara ya go apeela babereki ba Ipelegeng a sa kgona go apaya ka le dijo di ne di sentswe ke pula. E ntse e le kwa Goshwe, matlo a VDC a le matlhano le one marulelo a one a tserwe ke diphefo tseo. Mmaboipelego wa Goshwe o boletse fa a santse a sekaseka seemo, a bolela fa a amogetse dipego tsa malwapa a le lesome le boraro a a amegileng. Mopalamente wa kgaolo Nkange, Rre Edwin Batshu yo o neng a ile go lekola seemo sa tshenyo eo, o boletse fa dipula tseo di sentse thata. Rre Batshu o supile fa motse oo wa Goshwe o dikaganyeditswe ke dinoka e bile go se motlhofo go ka ya kwa Tutume ka nako ya dibetso tsa tlholego go kopa thuso, ka jalo a kopa puso go sekasekela tsela ya motse oo go ka tshelwa sekontere. O solofeditse ba ba amilweng gore khansele le komiti ya dibetso tsa tlholego ba tlaa sekaseka seemo sa bone mme ba thusiwe ka fa tshwanelong. society 9 Lekgotla la kabo ditsha le kolotwa madi madi Lekgotla la kabo ditsha la Ngwato le kolotiwa P40 million wa ditirelo tsa tiriso lefatshe mme mo go one madi ao, P20 million o tswa kwa go 2012, fa yo mongwe ele wa dingwaga tse di fa pele go fitlha mo nakong eno. Se, se tlhalositswe mo phuthegong le bobega dikgang jo bo neng bo laleditswe go tla go tlhalosediwa ka tsamaiso le ditirelo tse lekgotla la kabo ditsha le di neelang setshaba. Fa a ntsha pego, mokwaledi wa lekgotla leo, Rre Nickson Mogapi o boletse fa ba na le mathata a go batlisisa batho bao ka bangwe ba bone ba fetotse diaterese le megala. A re seo se dirile gore ba tle ka maano a go leka go tokafatsa seemo. Rre Mogapi a re ba bone gore ba tlhome batsaa madi a puso mo makalaneng otlhe a bone kwa dikgaolong potlana tse di lesome le botlhano, mogodimo ga moo ba tshwaragane le ba banka ya Standard Chartered gore fa diofisi di seyong teng go duelelwe kwa go bone , a re seo se ba thusitse thata ka ba kgonne go duelwa go feta P2 million go tswa ka Phukwi 2012 go fitlha mono ngwaga. O supile gape fa ba ntse le tumelano le ba Poso ngogola, mme le gone ba kgona go phutha P30 000, a re mme e bile ba Poso ba botlhokwa fela thata ka ba aname le lefatshe leno ka jalo go le motlhofo go ba bona. O tlhalositse fa dithulaganyo tseo di tswa tema jalo a kopa Batswana go duela melala ya bone. E rile a itebaganye le dikgwetlho tse di lebanyeng lekgotla leo, Rre Mogapi a re setshaba ga se tle ka dipalo tse di nametsang go tla go kwadisa ditsha tsa bone, a supa gore fa go lebelelwa ditshekatsheko tsa ditsha tse di dirilweng, di supa fa ditsha di le dintsi fela thata, mme a ikuela mo setshabeng go tsibogele kwadiso ya ditsha e e tsweletseng. Rre Mogapi o tlhagisitse setshaba gore ga gona ape maikaelelo a go ba amoga ditsha tsa bone, ka jalo ba seka ba nna le letshogo, fela ke gore go itsiwe gore lefatshe le le mo diatleng tsa bone le kwadisitswe ka fa molaong. O tsweletse a re ba kwadisa ditsha ka go farologana, e ka nna matlotla, tse di sa tlhabololwang le tse dingwe tse ba nang le tsone. A re Batswana ba lela ka gore ditirelo tse ba di neelwang ke ba kabo ditsha di bonya, mme a tlhalosa gore morago ga kwadiso eo, go tla tokafala ka ba tla a bo ba itse setsha sengwe le sengwe e bile ba se kwadisitse mo maranyaneng a segompieno. Rre Mogapi a re ba tshwenngwa ke go bona batho ba rekisa ditsha ka dipalo tse di kwa godimo, a supa fa go dirwa segolo bogolo mo metseng e e mo tikologong ya ditoropo e akaretsa Tonota, Shashemooke, Borolong, Mathangwane, Chadibe le Palapye. A re se sengwe gape ke gore fa batho ba sena go fudusetsa setsha kwa go yo mongwe ga batle go baakanya gore go itsege gore jaanong se dule mo go mang sa ya kwa go mang. Lekgotla leo la kabo ditsha la re le ya go isa melaetsa ka tsamaiso le tiriso ya lefatshe ka go dirisa maranyane a Facebook, Website, diphuthego tsa dikgotla, dikgothatso kwa dikokelong le dikokelwaneng. Bokhutlo politics 7 Ramokwena o ipelege ka ditlhare Go tswa bogologolong Batswana ba itsege e le batho ba ba ipelegang, ba itirela ka diatla tsa bone go ka itshetsa le go thusa ba malwapa a bone. Seo se supilwe ke Mme Modumo Ramokwena wa dingwaga tse di masome a matlhano le borataro wa motse wa Dibete yo o inaakantseng le temo ya ditlhare. Fa a bua mo potsolosong le BOPA bosheng, Mme Ramokwena o tlhalositse fa go lema ditlhare a go dira a tlhotlheletswa ke lorato le a nang le lone la dijalo, mme gape a dira se go ka itshetsa le ba lelwapa la gagwe. Mme Ramokwena a re o sa le a inaakantse le go lema ditlhare ka 2000, a re o lema ditlhare tse di farologanyeng di akaretsa tse di kgabisang, tse di ka dirisiwang e le melemo le tsa maungo. O boletse fa gona le dikgaisanyo tse a kileng a di tsenelela ka ngwaga wa 2003 le 2009 kwa Kgatleng, mme a ikgapela maemo a ntlha mo go tsone tsotlhe, a tlatsa ka go tlhalosa gore dikgaisanyo di ne di dirilwe ke ba lephata la dikgwa. A re dikgaisanyo di akaretsa thulaganyo yotlhe ya go jwala setlhare, go baakanyetswa fa se jwalwang teng,tlhokomelo ya sone go fitlhela se tsena ko marekisetsong. Mme Ramokwena o tlhalositse gore dikgaisanyo tse, di ne tsa mo fa sebaka sa gore a itsege ebile a rekise ditlhare tsa gagwe. Gape o ne a ikgapela didirisiwa tse di dirisiwang mo temong ya ditlhare. A re ka ngwaga wa 2015, one a tsenelela dithuto tsa go jwala ditlhare kwa Sebele, tse di neng di rulagantswe ke ba lephata la dikgwa mme yare ka 2016, a tsweledisa jaanong a rutwa go rulaganya ditlhare tsa gagwe sentle. A re ditlhare tsa gagwe o di nosetsa ka metsi a tlhatswang dijana le diaparo, mme o dira se a le podi matseba gore o dirisa metsi aa tsokotsang go itsa go bolaya ditlhare ka metsi a molora. Mme Ramokwena are ditlhare di mmelege, ka gore ga a lale le tlala gape o kgona go tsenya bana ba gagwe sekole. A re ditlhare tsa gagwe di simolola ka masome a mabedi le botlhano a dipula go ya go felela ka dipula tse di masome a supa. BOPA economy_business_and_finance 3 Tshwaragano ya makhanselara e botlhokwa Mokhanselara wa Ditshegwane/Maboane, Rre Tshabahule Kgotlhang o supile matshweyego ka se a reng ke go tlhoka go goga mmogo ga makhanselara a kgaolo-potlana ya Letlhakeng fa ba tsena kwa khanseleng e tona kwa Molepolole. E rile a akgela mo mafokong a modulasetilo wa khansele-potlana eo, Rre Tlotlo Batlhophi ka Labobedi, Rre Kgotlhang o ne a supa fa go tlhoka go goga mmogo moo go dira gore ditlhabololo tse di lebaneng kgaolo ya bone di felele di isiwa kwa dikgaolong tse dingwe. Rre Kgotlhang o ne a fa sekai ka madi a a neng a akanyeditswe go fiwa kgaolo ya Letlhakeng go aga matlwana a borutelo kwa sekoleng se sebotlana sa Letlhakeng, mme a felela a isitswe kwa kgaolong ya Mogoditshane/Tlhamaga ka jaana makhanselara a Letlhakeng ba ne ba seka ba nna lentswe le le lengwe go buelela gore madi ao a tle mo sekoleng seo se se mo kgaolwaneng ya Letlhakeng Borwa. A re se, se diragetse jaana le ntswa sekole seo se tlhokana le dikago tseo ka jaana se tlhaelelwa ke matlwana a borutelo. Mokhanselara o ne a kopa bakaulengwe go ithuta go beela kwa thoko dipharologanyo tsa bone tsa diphathi tsa dipolotiki fa ba tsena kwa khanseleng, mme ba bee dikeletso tsa kgaolo ka bophara kwa pele. A re seo se ka kgontsha gore mokhanselara mongwe le mongwe a kgone go buelela ditlhabololo tse di mo kgaolong le fa di se mo kgaolwaneng ya gagwe ya botlhophi. Mafoko ao a ne a gatelelwa ke mokhanselara wa Salajwe, Rre Lopang Sebutlenyane yo le ene a supileng fa tshwaragano ya makhanselara e tshwanetse go bewa pele ga dilo tsotlhe gore kgaolo e kgone go gatela pele. Mo go tse dingwe, mokhanselara wa Khudumelapye/Metsibotlhoko, Rre Bokopano Tumiso o ne a kopa modulasetilo wa khansele-potlana eo go tsaya loeto lwa kgaolo yotlhe go tlhola ditiro tsa ditlhabololo ka jaana a re dingwe tsa tsone di saletse kwa morago ntswa di raya go le gontsi mo kgaolong-potlana ka bophara. Rre Tumiso o ne gape a kopa gore go nne go rulaganngwa bokopano jwa makhanselara le mapalamente a kgaolo gore ba kgone go sekaseka ka fa ditlhabololo tsa kgaolo di tsamayang ka teng. A re se se ka thusa gore ba kgone go thusana dikgwetho di tshwana le tiego ya go fela ga ditiro. Mokhanselara wa kgaolo ya Letlhakeng Borwa, Rre Opaletswe Mogolwane ene o ne a ngongoregela tiego ya go fela ga matlwana a borobalo a baithuti kwa sekoleng se segolwane sa Mphuthe kwa Letlhakeng. A re seo se dira gore bana ba metse e e mabapi jaaka wa Serinane ba tsewe ka bese go ya le go boa kwa sekoleng. A re bothata bo bifela pele jaaka mo nakong ya gompieno fa base eo e senyega ka jaana bana bao ba patelesega go rwala masigo ka tlhogo go kopa mosepele mo befeting ka tsela. politics 7 Jumbo Warehouse e itlama go thusa sekole Dikhamphani ka bontsi di tsibogela kopo ya ga Tautona ya gore di tsenye letsogo mo go tlhabololeng boleng jwa thuto. Se se supegile kwa moletlong wa kabo dimpho kwa sekoleng se segolwane sa Lebogang kwa Selebi Phikwe fa khamphani ya Jumbo Warehouse e baya monwana tumalano e mo go yone ba tlaa gogang dingwaga di le tlhano ba ntse ba thusa sekole seo. Moemedi wa khamphani ya Jumbo Warehouse, Mme Gosaitse Taolo, o tlhalositse fa ba itlamile go thusa bana botlhe ba sekole sa Lebogang ka didirisiwa tsa dipalo le go tsenya ditilo di le masome mabedi le bone le dibalamakgolo di le nne mo dikagong tsa ithutelo kgwebo. E ntse e le kwa moletlong wa kabo dimpho, Ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Molefhi Pilane o ne a lebogela ba Jumbo Warehouse go thusa sekole sa Lebogang. O ne gape a leboga ba Nashua Botswana go ba sekegela tsebe go rekela sekole seo motshine o o ntsifatsang dipampiri wa P47 000 morago ga gore ba ye go itela kwa go bone gore ba a tlhaelelwa. O ne a tlhalosa gore ba ne ba tshwara mogwanto wa go kokoanya madi go rekela sekole sa Lebogang motshine oo mme ba kgona go kokoanya P12 000. A re ka go dira jalo ba Nashua Botswana le Jumbo Warehouse ba tshwanetse go akgolelwa go nna le seabe mo go tsa thuto. E rile a ama bodiredi le batsadi ka lefoko, molalediwa wa tlotla, Rre Titus Makosha wa khamphani ya Logica DSD a tlhalosa gore mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go bona gore bana ba bona thuto. Rre Makosha a re thuto ya ngwana e simologa kwa lwapeng, ka jalo batsadi ba tshwanetse le bone ba ipela ka ba na le seabe se setona mo go direng sentle ga bana mo dithutong. Rre Makosha o ne a tlhalosa fa dikhamphani di ikemetseng di tshwanetse go nna le seabe se se bonalang go thusa lephata la thuto gore maduo a nne botoka, a tlhalosa gore ba Jumbo le Nashua ba thusitse ka nako e e maleba e seemo sa thuto se wetseng tlase. Rre Makosha o ne a kgotlhatsa bana ba sekole sa Lebogang go tia moko go ithuta thata gore ba kgone go tiisa ba ba itlamileng go ba thusa moko. O ne a ba rotloetsa go ikgapha mo ditirong tse di maswe jaaka go dirisa ditagi, a ba gakolola gore ba nne ba reetsa barutabana ka nako tsotlhe ka se se ka ba tsisetsa maduo a mantle. Rre Makosha o tlhalositse fa bana ba sekole ba tshwanetse go tsaya malebela mo baeteledipeleng ba toropo ya Selebi Phikwe gore le bone ba tsoge ba itshela metsi mo ganong ka go se na sepe se se tlang motlhofo se sa berekelwa. Rre Makosha o ne a ntsha P10 000 go thusa sekole. education 4 Kgokgontsho e tlhoka ditlhotlhomiso Kgosi ya Lerala, Kgosi Sello Moroka, o gwetlhile puso go tlhama lekalana le le itebagantseng le go tlhotlhomisa borukutlhi jo bo tsweletseng pele jwa kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana. Fa a bua kwa letsatsing la mafatshefatshe la bomme kwa Lerala ka Labone, Kgosi Moroka o boletse fa kgokgontsho e le matswakabele, ka jalo e tlhoka ditlhotlhomiso tse di tseneletseng. Kgosi Moroka a re bontsi jwa dikgang tsa kgokgontsho di a tlhotlhomisiwa mme di felele mo phefong ntswa go na le bosupi, a tlhalosa fa se se kaya fa tota ba sepodise ba ka seke ba kgone tiro e ba le nosi. O ne a ntsha sekai ka motse wa Lerala, a bolela fa a itemogetse fa go na le dikgang tsa kgokgontsho, bogolo jang ya bana ba basetsana, mme bontsi jwa tsone di felela di sa ye dikgotla tshekelong ka gore ba ba amegang ba felela ba gana ka bosupi kana ba sepodise ba lekile go tlhotlhomisa mme ba retelelwe ke go bona bosupi. A re bangwe ba ba amiwang ke kgokgontsho ba felela ba sa ntshe bosupi ka ba a bo ba ikaegile ka ba ba ba kgokgontshang mme seo se busetse ditlhotlhomiso kwa morago. O ne a itumelela setlhogo sa monongwaga sa letsatsi la bomme se se reng ‘tekatekano ya bomme ke kgatelopele ya botlhe’, a bolela fa se lebanye ka se supa fa bomme ba tshwanelwa ke go fiwa sebaka gore lefatshe leno le gatele pele. Kgosi Moroka o rotloeditse tshaba ya Botswana go bopagana mo go emiseng tse di ka kgoreletsang phitlhelelo ya bomme, jaaka ngwao ya Setswana, e go supagetseng fa go na le dilo dingwe mo go yone tse di tshwanelwang ke go sekasekwa. Mogolwane wa lephata la tsa bong, Mme Valencia Mogegeh, a re puso e gatetse pele mo dikgannyeng tsa tekatekanyo ya bong. A re mo nakong e e fetileng batho ba le bantsi ba ne ba sa tlhaloganye go le gontsi fa go buiwa ka tekatekano ya bong mme mo malatsing a gompieno ba a tlhaloganya ebile ba kgona go bua ka tsotlhe tse di amang bong. A re go le pele, e ne e re fa go buiwa ka tekatekano ya bong go bo go na le bangwe ba ba buang dikgang tsa tshotlo, a tlatsa ka gore mo malatsing ano go fetogile. Mme Mogegeh o boletse fa palo ya bana ba basetsana ba ba simolodisiwang mo dikoleng tse dipotlana e tsamaya kwa go masome a ferabongwe le botlhano mo lekgolong, a kaya fa se ele kgatelopele fela e e kwa godimo, ka se se bakile phokotsego ya pharologanyo ya dipalo tsa bana ba basimane le basetsana mo dikoleng. Fa a ntsha la gagwe, molaodi wa kgaolo potlana ya Palapye, Mme Veronica Rabakane, o boletse fa mo kgaolong ya Serowe/Palapye go na le mekgatlho e le mentsi ya bomme e e dirang go tlala ka diatla. Mme Rabakane a re go na le bomme ba ba ipopileng setlhopha kwa motseng wa Manaledi mme ba itshetsa ka go bopa dilo tse di farologaneng ka letsopa. A re mo motseng wa Lerala gone, basadi ba ipopile mme ba dira dilo di tshwana le melora le tse di tlolwang ka morula fa mme mongwe ene a roka dilwana tsa letlalo. O ne a rotloetsa bomme go ema ka dinao go tsenelela mananeo a a ka ba thusang go itshetsa. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Lefoko la kgosi le agelwa mosako Batsadi ba bana ba ba tsenang dikolo tse di kgolwane kwa Molepolole ba dumalane le kgosi kgolo ya Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III gore, moretlwa e nne nngwe ya melemo e e tlaa dirisiwang ke magosana a motse go alafa boitsholo jo bo duleng mo tseleng jwa bana ba dikolo. Kgosi Kgari III a re o bone gole maleba gore a tseye kgato go tokafatsa maduo a bana ba dikolo a tswang kgakala a wela tlase. O buile jalo mo phuthegong bosheng. Phuthego e ne e tsenwe ke megokgo ya dikolo, lephata la thuto, mapodisi, batsadi le baeteledipele ba baithuti kwa sekolong se segolo sa Kgari Sechele II. Phuthego e etla morago ga bokopano jwa ba-na-le-seabe jo boneng bo rulagantswe ke Kgosi Kagri III ka kgwedi ya Motsheganong, jo bo feletseng ka go ntsha ditshwetso tse di ka thusang go tokafatsa maduo a baithuti. Batsadi ba dumalane le gore magosana a motse a kgaoganngwe ka dikolo tse di mo dikgaolwaneng tsa bone mme ere fa moithuti a ka tswa mo tselelng a isiwe fa go bone go rarabolola bothata joo. Ba tlhalositse gape fa ba sena mathata le mogopolo wa gore ba-na-le-seabe jaaka bogosi, batsadi le barutabana ba tshwaraganele go tlhokomela bana mo go tseneletseng. Modulasetilo wa lekgotla la batsadi le barutabana la Kweneng Bokone-Bophirima, Mme Refilwe Diamond are batsadi ba tshwanetse ba bontsha bana ba bone lorato ka go tlhokomela thuto ya bone ebile a ba kgothatsa go tsena diphuthego tsotlhe fela tse di didiwang kwa sekolong. “Fa o le motsadi o tshwanetse wa itse boitshwaro jwa ngwana wa gago mo lwapeng, kwa motseng le kwa sekolong tota ka gore go le gantsi o tla fitlhela re tsiediwa ke bana a le botho mo lwapeng kante kwa ntle ke sekebekwa,” Mme Diamond a bolela. Fa a tlatsa, moeteledipele wa baithuti ba sekolo se segolwane sa Dithejwane, Segolame Mokopotsa o ne a kopa gore ma-cluster ba akarediwe mo go lwantsheng ditagi mo baneng ba dikolo. “Gantsi otla fitlhela go na le semausu se bana ba sekolo ba ratang go se kgobokanela, go botlhokwa gore dimausu tsa mofuta oo di tlhatlhobiwe gangwe le gape go tlhomamisa gore di rekisa eng,” Segolame a sedimosa. Ramapodise wa kgaolo ya Kweneng, Senior Superintendent Kevin Mookodi o ne a dumalana le Segolame a re ele ba sepodise ba setse ba itemogetse fa go na le bagwebi ba ba rekisetsang baithuti ditagi, a kopa setshaba gore se se nne boi go ba loma tsebe. “Fa re lomilwe tsebe ga re ke re rothisa mmutla madi ebile, malatsi a fa go diragetse gore re tshware badira molato, yo o neng a re lomile tsebe o atswiwa ka bonyennyane. Gape bagwebi ba tshwanetse ba itse gore ga re tlhoke teseletso epe go tlhatlhoba marekisetso a bone go tlhola ditagi mo go one,” Senior Superintendent Mookodi a tlhagisa. Fa Kgosi Kgari III a fetsa, o ne a lebogela batsadi go tla phuthegong ka dipalo tse di nametsang le gone go tlatsa fa baneng ba feletse teng ele boeteledipele. O boletse gape fa batsadi ba tlaa bidiwa kwa dikolong tsa bana ba bone go ya go utlwa ka konetelelo ya ditshwetso jaaka, go itse gore keafe magosana a tlaa tshwanelwang ke go ikopanya nao fa ba na le bothata le bana ba bone. education 4 Dialogane di shwafaditse ntlo Dialogane tse di sa tswang go aloga kwa sekoleng sa Prison Staff College tsa 2016 ba sa tswa go shafatsa, ba tsenya motlakase ba bo ba aga kamore ya botlhapelo e e nang le metsi mo ntlong ya mmereki wa pele wa dikgolegole, Rre Innocent Makgaba. Rre Makgaba yo o tshelang ka bogole jwa go tlhoka pono, o dule mo tirong ka 2008 ntateng ya bolwetse. Rre Motlalekgosi a re le bone kwa lephateng la dikgolegelo ba inaakantse le mowa wa bopelotlhomogi mo setshabeng. A re tiro ya bone ga se go aga magolegwa fela mme le go fa setshaba seriti e le nngwe ya ditiro tsa bone. O ne a tlhalosa gape fa ba inaakantse le ba boipelego go bona gore ba ka thusa fa kae, a tlhalosa fa e tlaa re bosheng ba abe gape matlo a le mabedi kwa Kweneng. Rre Motlalekgosi o ne a kopa ba ba neng ba tseneletse moletlo oo go amogela botlhe ba ba kileng ba tsena kgolegelo, a tlatsa ka go re le bone ke bontlha jwa setshaba e bile ba tshwanetse go tsweledisa botshelo jaaka Motswana mongwe le mongwe go sena kgethololo. E rile a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole seo, Mme Shirley Owageng a tlhalosa fa le bone ba ne ba batla go supa lerato le bopelotlhomogi mo setshabeng. Mme Owageng a re dialogane tseo di ne tsa ikopanya mme ba etela Rre Makgaba yo o neng a kaya fa ntlo ya gagwe e tlhoka motlakase. A re o ne a ikopanya gape le mokhanselara wa kgaolo ya Boseja, Rre Tumelo Koolekanye yo o ba thusitseng go batla dithuso gore ba baakanye ntlo ya ga Rre Makgaba. E rile a tswa la gagwe, Rre Makgaba a leboga go menagane dialogane tseo, lephata la dikgolegelo le botlhe ba ba nnileng le seabe go shafatsa ntlo eo ya gagwe. BOKHUTLO politics 7 Magodu a leruo a tlhorontsha Monwane Banni ba Monwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba tshelela mo kutlobotlhokong ntateng ya bogodu jwa leruo. Banni ba re ga ba itse gore e tlaa re ba re ba robaletswe ke ditlhokwa go bo go rileng. Se se tla morago ga gore ka malatsi a boitapoloso go fitlhelwe meswang le mateng a dikgomo tse go belaesegang e le tsa bogodu mo sekgweng kwa merakeng ya Gatshepe. A re ka a itse fa kgaolo eo e tumile ka bogodu jwa dikgomo, o ne a ya go bitsa ba bangwe gore ba tle go mo lebisa. E ne ya re letsatsi le le latelang ba fitlhela megodu le mateng a pegilwe mo ditlhareng le lesaka mo gare ga sekgwa. Rre Morulele a re dikgang tse mapodisi a a di itse ga mmogo le bogosi jwa Monwane e bile go a itsiwe gore bogodu jo bo dirwa ke bomang. A re ba setse ba sena tshepo mo sepodising le bogosi ka gore ke dikgang tse di tswang ko kgakala ka le fa mmelaelwa a ka tshwarwa o nna letsatsi kana a mabedi fela a bo a golotswe. A re se se botlhoko le go feta ke gore ba tsere mananeo a puso le madi mo dibankeng ka mananeo a tshwana bo nthatlosa ko morakeng mme a supa fa se se ba tshedisetsa mo kgatelelong ya maikutlo. Rre Jeremiah Tshipa le ene e le monni wa moraka wa Gatshepe, o iteetse mafoko a ga Rre Morulele kobo moroko a bua a sa kgwe mathe gore mapodisi a monwane ga a tsibogele dikgang tsa bogodu jwa leruo. A re mo nakong ya gompieno ga ba sa tlhole ba batla ka le tsone dikgomo magodu ba di feditse. Rre Tshipa a re masaka a a mo sekgweng a, a beilwe ke one magodu, e bile ga a beiwa ka fa molaong a tlatsa ka gore a puso e tsibogele seemo se ka potlako. E ne ya re a tsibogela kgang e, mogolwane wa sepodisi kwa Molepolole, Rre Tuelo Komanyane, a tlhalosa fa e le boammaaruri ba amogetse pego e tswa Monwane go utlwala fa monna mongwe yo a neng a batla a fitlhetse meswang ya dikgomo tseo mme mapodisi go tswa Mogonono a ragogela koo. A re mapodisi ao a ne a fitlhela go ntse jaaka go ne go begwa meswang e sa ntse e le mesha. A re go hema seemo seo, ba tlaa oketsa didirisiwa di tshwana le dikoloi a tlatsa ka gore go na le koloi e e ntshitsweng go ka dirisiwa ko Monwane. Fa a ama kgang ya masaka a a ikagetsweng mo sekgweng, Rre Komanyane a re masaka ao ke a bomaipaafela mme bone e le ba sepodisi ba tshwanetse go a rutlomolola ka a rotloetsa bogodu. crime_law_and_justice 1 Tlhabololo ya monana ke bokamoso jwa lefatshe Tona wa Banana, Ngwao le Metshameko, Rre Shaw Kgathi o kopile batsadi go pataganela kago le kgodiso ya monana. Rre Kgathi o buile se mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa metseng ya Oodi le Bokaa ka Labone, Mopitlo a tlhola malatsi a marataro, mme a kgothatsa batsadi go thusana le puso go aga monana ka e le ene bokamoso jwa lefatshe leno. A re, e re ka lephata la gagwe le filwe boikarabelo jwa go tlhabolola le go aga monana, batsadi le bone ba na le seabe se segolo ka jaana ba godisa bana ba go tswa kwa moding. O tladitse ka gore mo setswaneng, ngwana o godisiwa ka tsela e e kgethegileng a kaelwa gore o tshwanetse a apara jang, a buisa batho jang le gone go supa boitsholo jo bo amogelesegang mo setshabeng. A re sebe sa phiri ke gore, malatsi a gompieno batsadi ba letlelela bana go tsaya taolo ya go dira dilo tse sa siamang mme seo se bake ditlamorago tse di bosula. Rre Kgathi a re bana ba tswa mo dikolong ka boimana mme seo se kgaupetse bakomoso ja ngwana. A re matlhabisa ditlhong ke gore dilo tse di dirwa ke bagolo. O kopile bana gore le bone ba se ka ba inaakanya le bagolo mme ba ikgaphe, ba beye thuto kwa pele ka ke lesedi la botshelo. Tona o kopile batsadi gape gore patagano ya bone le puso e ka thusa go aga monana yo o tlhwatlhwa e bile a itlhaloganya. O tladitse ka gore banana ba lebaganwe ke dikgwetlho di le dintsi mo botshelong mme dingwe di bakwa ke ka fa ba godisiwang ka teng. A re batsadi, dikgosi le baruti ba tshwanetse ba nna le seabe mo go ageng monana yo o ka tsayang boikarabelo ja go direla setshaba. O kopile dikgosi go busetsa ngwao bogolo jang ka ele bone batshegetsi ba yone le baruti kwa dikereng go ruta lefoko la Modimo ka le aga e bile le rotloetsa maitsholo a a itumedisang. Rre Kgathi o tsweletse a kgothatsa ka gore batho ba tshwanetse ba nna le poifo Modimo ka ele yone tshimologo ya botlhale. E rile tona a tlhalosa mananeo a lephata la gagwe le a fang banana, a bolela fa dikgwebo tsa banana di sa dire sentle ka jaana bagolo ba turisetsa bana mafelo a bone, a re seo ga se thuse banana ka sepe ka dikgwebo tsa bone di felela di phutlhama. O ne a kopa bagolo go rekegela banana le go ba fa sebaka sa go bona ba tsweletse mo ditirong tsa bone. A re mo kgaolong ya Kgatleng botlhaba go setse go dirisetswe P6.8 million mme go thusetswe dikgwebo tsa banana di le 81, mo go tsone tse 61 ke dikgwebo tsa temo-thuo, tse di lesome ke tsa madirelo mme tse di lesome le motso ke tsa ditirelo. Rre Kgathi a re, se se sa mo jeseng diwelang ke bobotlana ja banana ba metse ya Oodi le Bokaa, ka dipalo tsa bone di le kwa tlase mo go tseyeng mananeo a banana. O kopile banana go ema ka dinao go tsaya mananeo a a diretsweng go ba thusa go tsena mo dikgwebong ka jaana Motswana a re, o le aramele le go tlhabetse. Mongwe wa banana Rre Tshepo Digangwa o tlhaloseditse tona gore,mathata a balekane ba gagwe ke gore ba dirisa nno-tagi phetelela mme seo se ba diya go itirela botshelo. A re fa banana ba ka tlogela bojalwa ba ka kgona go itirela bokamoso, a tlatsa ka gore lenaneo la ga Tautona la constutiency tournament ga le kake la atlega mo motseng wa bone ka le batla batsaya karolo ba eleng banana. Rre Digangwa gape a re, go na le letlhoko la mafelo a boitapoloso mo kgaolong ya bone, mme seo se direla banana mathata ka ba felela kwa dibareng go na le go dira sengwe se se ba ntshang mo boraing. Rre Johannes Monametsi o kopile ba lephata la banana go ba etela le go ba ruta ka ditirelo tsa bone mme o bile a kopa gore ba nne le modiredi mo motseng wa bone. Rre Tumelo Dube le Kago Letshwenyo bone ba re komiti ya banana e ka ba kgontsha gore ba thusane, ba tlatsa ka gore letlhoko la kgolagano e e siameng ya mananeo a banana ke lone le bakang tiego ya tswelelo pele ya bone. E rile Tona Kgathi a ba araba, a supa fa lephata la gagwe le tsere tshwetso ya go isa babereki ba lephata kwa dikgaolong go thusa banana ka mananeo a bone mme seo se tla araba selelo sa bone sa babereki ba ba tlhaelang mo metseng ya bone. O kgothaditse banana go emisa go fela pelo fa ba kopa dithuso kwa diofising tsa banana go fitlhelela ba bona se ba se batlang. BOKHUTLO society 9 Boitshwaro jo bo ntle bo ntsha maduo Go bolelwa fa sekole se segolwane sa Gantsi se ntsha maduo a a nametsang ka go bo bana ba ba tsenang teng ba na le boitshwaro jo bo eletsegang e bile le barutabana ba bereka ka natla go netefatsa gore bana ba bona thuto e e lolameng. Mogokgo wa sekole seo, Rre Batshidi Tsae o boletse mo potsolotsong gore tirisano mmogo fa gare ga barutabana ke ya maemo a ntlha e bile bontsi jwa nako ba a bo ba inaakantse le dikgang tsa dithuto ya bana go na le go tsena mo dintweng tse gantsi di nnang teng fa batho ba bereka ba le bantsi golo go le gongwe. Rre Tsae a re ntlha e nngwe e e botlhokwa e e dirang gore maduo a sekole a tokafale ke gore baithuti ba na le seabe sa go baya leitlho barutabana ba bone mme morago ba fe pego ka boleng jwa bone le gore ba bereka jang. A re fa e sale ngwaga o o fetileng, sekole seo se balelwa mo dikoleng tse di ntshang bana ba ba gaisang ba bangwe mo lefatsheng leno, ba ba neelwang dietsele tsa ga tautona le gone go iponela phatlha ya go ya go ithuta kwa ntle ga lefatshe leno. Rre Tsae a re mono ngwaga le ngwaga o o fetileng ba nnile le ngwana a le mongwe yo o gaisitseng ba bangwe a bo a fiwa seetsele sa ga tautona le gone go iponela phatlha ya go ithuta kwa mafatsheng a sele. O tsweletse a re ba gaisitse dikole tse dingwe tse di mo kgaolong ya bone mo metshamekong mme e bile gape ba mo maemong a a kwa godimo mo lefatsheng leno mo dikgaisanong tseo. A re motshameko wa bolotloa ke one fela o o saletseng morago mme o dumela fa mo nakong e khutshwane ba tla a dira sentle. O tlhalositse fa ba simolodisetse komiti e e emelang baithuti ya SRC mme a supa fa e dira ka natla go netefatsa gore dikeletso tsa baithuti botlhe di sekegelwa tsebe. A re ba simolodisetse komiti eo ka ntlha ya gore ba itlamile go fa baithuti se ba se batlang gore ba kgone go tswelela pele mo dithutong tsa bone ba sena matshwenyego a gore dilo ga di tsamaisiwe jaaka ba batla. O tsweletse a re komiti eo e tlhophiwa ke baithuti ba sekole, mme baithuti ba ba tlhophiwang go tsena mo komiting eo ba rutiwa go ipapatsa le gone go fiwa sebaka sa go ganetsana pele ba ka tlhophiwa ke ba bangwe. Rre Tsae o rotloeditse baeteledipele ba dikole tse dingwe go netefatsa gore ba baya pele dikeletso tsa bana e bile ba rotloetsa tirisano mmogo ya barutabana, baithuti le babereki ba sekole ka seo se le botlhokwa mo go ageng ngwana gore a nne le boitshwaro jo bo eletsegang e bile go thusa mo go tokafatseng maduo a sekole. Bokhutlo education 4 Ba Taupye ba tsibogela loaro la borre Go dira loaro lo lo babalesegileng lwa borre go botlhokwa go fokotsa kanamo ya mogare wa HIV/AIDS le malwetse a mangwe a tlhakanelo dikobo. Mafoko a, a builwe ke modulasetilo wa komiti ya Taupye ya botsogo le boitekanelo, Mme Kebafe Keobatile mo potsolotsong le BOPA. A re e le komiti ya botsogo, ba tsibosa le go ruta setshaba bogolo jang banana ka mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS, a tlatsa ka gore gangwe le gape ba tsamaya le motse ba ruta banana le go oketsa go tlhaloganya ga bone gore HIV/AIDS le malwetse a mangwe a dikobo a tshwanetse go lwantshiwa. Mme Keobatile a re ke ponelopele ya puso gore mo tsamaong ya dingwaga go bo go se na dintsho, kgethololo ya ba ba tshelang ka mogare le gore dipalo tsa batho ba ba tsenwang ke mogare di bo di ile kwa tlase. Le fa gontse jalo, a re maikaelelo a bone e le komiti ke go bereka le ba botsogo go oketsa dipalo tsa banana ba borre ba ba dirileng loaro, a supa fa banana ba Taupye ba dira loaro loo ka dipalo tse di kgotsofatsang. Mme Keobatile o boletse fa ngwana mongwe le mongwe wa mosimane yo o sa dirwang loaro loo a lebanwe ke kgwetlho ya go tsaya kgato, a tlatsa ka go rotloetsa bomme le makgarebe go tswelela ka go ruta le go rotloetsa bana ba bone, bokgaitsadiabone le bakapelo ba bone go nna makau a a ithatang, a a dirileng loaro. O tlhalositse fa go dira loaro ga borre e le selo se se tswang bogologolong se dirwa, a tlasa ka gore dipatlisiso di supa fa le fokotsa go tsenwa ke mogare ka selekanyo sa masome a marataro mo lekgolong. Mme Keobatile o lebogetse batsadi ba Taupye go dira bana ba bone loaro ba sena go belegwa, e bile a re ba tlaa tswelela ka go rotloetsa batsadi go ya go kwadisa bana ba dikole kwa dikokelong gore ba tle ba tlhatlhobelwe mogare wa HIV le go ya go dirwa loaro lwa borre kwa Mahalapye. A re kgang e nngwe e e tshwenyang ke go latlha dipilisi tse diritibatsang mogare wa HIV/AIDS mme a re o kgala ba ba dirang jalo go menagane. O kgothaditse banni ba motse wa gagwe go tsaya botsogo jwa bone ka tlhwaafalo ka go ba rotloetsa go nwa dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV fa ba iphitlhela ba na le one. A re boeteledipele jwa metse ka go farologana bo tshwanetse go ema puso nokeng go gakolola setshaba ka malwetse. A re puso e rata batho ba yone ke ka moo e neng ya ema ka dinao go batlela setshaba dipilisi tse di ritibatsang mogare. Mme Keobatile a re seo se ne sa fokotsa dipalo tsa batho ba ba neng ba tlhokafala ka ntlha ya bolwetse jo. Modulasetilo o tlhalosa fa nako e gorogile gore setshaba se tlhomamise gore ba tsaya kgato e e maleba, a tlatsa ka gore go maswabi gore bangwe mo nakong ya gampieno ba bo sa ntse ba tlhokafala ka ntlha ya go itirela botsotsi ka go tlhoka go nwa dipilisi ka fa go tshwanetseng ka teng. O rotloeditse setshaba go dirisa dikausu ka dinako tsotlhe fa ba tlhakanela dikobo. A re o kopa bomme go rotloetsa bana ba bone ba basimane go dira loaro lwa borre, a tlatsa ka gore kwa ntle ga go fokotsa go tsenwa ke mogare loaro lo thusa gore bomme ba seka ba tsenwa ke kankere ya molomo wa popelo. Mme Keobatile o kopile setshaba go ema ka dinao go lwantsha mogare wa HIV/AIDS ka methale yotlhe e puso e tlang ka yone. BOKHUTLO health 6 Ba rotloediwa go tlhokomela tikologo Motshwarelela bogosi jwa Barolong, Kgosi Botiki Motshegare o kopile morafe wa gagwe go tlhokomela tikologo, bogolo jang malwapa. Kgosi Motshegare o buile jaana kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la go phepafatsa tikologo mo kgaolong ya Borwa, le le neng le tshwaretswe kwa Goodhope bosheng. O tlhaloseditse morafe gore go botlhokwa go nna fa go leng phepa teng ka jalo ba tshwanetse go duelela gore matlakala a bone a tsewe ke khansele. O ne gape a ba gakololola gore ba nne le ditanka tsa matlakala gore motse wa bone o nne o le phepa. Kgosi o ne a supa gore e re le mororo bangwe ba itse ka go phepafatsa tikologo, banni ba tlhoka thuto e e tseneletseng. O supile gore bophepa bo botlhokwa, a tlhalosa gore fa motho a nna mo segotlong se see seng phepa, batho ba ka mo nyenya. O ba gakolotse fa lefatshe e le mpho ya Modimo, ka jalo gole botlhokwa gore ba tlhokomele tikologo. E rile a supa moono wa letsatsi mokwaledi wa khansele-potlana ya Goodhope Rre Robert Rabasimane a tlhalosa fa maikaelelo a letsatsi e le go tsibosa setshaba ka mosola wa go tlhokomela tikologo ya bone. Mme Rabasimane o tlhalositse gape fa ba tsile go lemoga le maiteko a ba a dirileng e le kgaolo go leka go phepafatsa tikologo. O tlhalositse gore go botlhokwa gore ba ka thusana jang go fedisa tiriso ya sekhakha se a supileng fa se tlatsa tikologo leswe. O supile fa matlakala a kgona go dirisiwa go itshetsa, a a fa sekai sa gore dikara tsa ditonki di ka thusa go phepafatsa tikologo ka go tsaya matlakala. Mookamedi wa kompone ya Encyclo, Rre Mothusi Mohutsiwa yo kompone ya gagwe e itebagantseng le go phepafatsa tikologo, o tlhalositse fa tiriso ya sekhakha e oka malwetse jaaka kankere. O tlhalositse fa e le boikarabelo jwa mongwe le mongwe go nna motlhokomedi wa tikologo, a tlatsa ka go gakolola botlhe gore jaaka puso e emisa tiriso ya sekhakha, ba obamele molao oo. BOKHUTLO environment 5 Setshaba se tlhagisiwa go iphapa Mogolwane wa mapodise a Woodhall kwa Lobatse, Supritendent Tebogo Madisa, a re ba tshwenngwa ke go golela pele ga dikgang tsa batho ba ba tlhaselwang ba ile kwa mafelong a go itlhabisa phefo. Mo potsolotsong bosheng, a re mafelo a a borai mo kgaolong ya Lobatse a akaretsa mafelo a tshwana le a bonno a a iseng a tlhabololwe, sekgwa se se fa kgotleng kgolo ya ditsheko, sekgwa sa Pitikwe le sekgwa sa chocholoza, gaufi le matlo a bonno a baoki, o kaile e le one mafelo a a leng botlhabetsi ka jaana batho ba tlhaselwa mo go one ka go ketekwa, mme ba felele ba amogilwe dithoto di tshwana le madi le mesokelatsebeng ya lotheka. Superintendent Madisa o tlhalositse fa batho ba ba amegang mo tiragalong ya mohuta o, e le baratani, bangwe ba le mo mosepeleng ba tswa Gaborone kgotsa Mafikeng ba itapolositse, mme ka go tlhoka lesego ba kopane le dilalome tseo. A re le fa go ntse jalo ba setse ba gatisitse dikgang di le supa tsa mothale o, mo nakong e khutshwane mme ka maswabi ba ba amegang ba kaile fa dinokwane tseo e le borre bangwe ba ba bararo ba letso la Zimbabwe.O tlhalositse fa ditlhotlhomiso tsa sepodise di santse di tsweletse. E re dikgang di eme jalo, Superintendent Madisa o tlhagisitse bakgweetsi ba dikoloi tse e seng tsa setshaba go iphapa mo go pegeng bapalami mo maemelong a dipalamo tsa setshaba ba sena diteseletso a re go dira jalo go feletsa go dira gore ba tlhasele bakgweetsi fa ba setse ba gorogile kwa mafelong a bone mme ba amogwe dithoto gammogo le go ketekwa. Superintendent Madisa o tlhagisitse setshaba go ikgapha go itlhabisa phefo le go huba maoto mo mafelong a a sa babalesegang. crime_law_and_justice 1 Kgodiso ya bana e tlhoka boikarabelo Batlhokomedi ba bana ba dikhutsana ba gakolotswe go tlogela mokgwa wa go lobela bana borraa bone ka seo se ba rontsha tlhokomelo, lorato le go ba itsa go nna le seabe mo go tsa boswa jwa dithoto tsa batsadi ba bone. Kgakololo e e builwe ke Mme Ophaketse Raakoma go tswa mo lekalaneng la boipelego (S&CD) mo khanseleng ya Kgalagadi mo thuto-pusanyong ya malatsi a mararo e ba neng ba e rulagantse mo Tsabong bosheng. Fa a bua maikaelelo a thuto-puisanyo e, Mme Raakoma o tlhalositse fa e le go abelana le batlhokomedi tse di diragalang nako ya bana ba sidilwa maikutlo gore ba tlhaloganye lenanelo ka botlalo, go ba thusa go tlhaloganya bana ba ba mo dingwageng tsa go fatlhoga le go tlhaloganya tatlhegelo le di-tla morago tsa yone. Mme Bonolo Malope, mmaboipelego go tswa mo Tsabong fa a tlhalosa ka lenaneo la Ark And Mark la tshidilo maikutlo o boletse fa le simologile ka 2004 morago ga dintsho tse dintsi tse di neng di diragala mme di felela di tlogela bana ka kutlobotlhoko le bohutsana ka mo gongwe ka ngwao ya Setswana bana ba sa bolelelwe fa batsadi ba bone ba tlhokafetse. Mme Malope o ne a tlhalosa fa mogopolo oo o ne wa tswa ka bangwe batsadi ba ba neng ba felela ba o rekisetsa puso mme ya o amogela, selo se a reng se ne sa thusa bana ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi. O boletse fa tshidilo maikutlo eo e le botlhokwa ka e akaretsa batsadi, bana le ba boiplego go tshwaragana go ba sidila maikutlo le tlhaloganyo mabapi le tatlhegelo ya batsadi ba bone go tshela ba itse se se tlaa diragalang mo botshelong jwa bone go ya pele. Mme Tiroyaone Gare, mmaboipelego wa Kokotsha o ne a tlhalosetsa batsena thuto-puisanyo ka fa ngwana a golang ka teng go ya ka diphetogo tsa mmele le tlhaloganyo go simologa a tsholwa go ya kwa dingwageng tse di masome a marataro le botlhano le go feta tsa bogodi. Mme Gare o ne a tlhalosetsa batsadi le batlhokomedi ba bana ba masiela gore go botlhokwa gore ba tlhaloganye le go ithuta diphetogo tsa bana mo mmeleng le mo tlhaloganyong fa ba ntse ba gola gore ba kgone go ba baya leitlho le go ba fa bogakolodi go ya ka go tlhatlologana ga dingwaga tsa bone. O boletse gore dingwaga tsa lesome le boraro go ya kwa go tse di masome a mabedi le bongwe ke tsone tsa konokono tse ngwana a simololang go itemoga gore ke mang, diphetogo tsa mmele di itshupa le gore jaanong o tlaa bo a simolola go ipatlela ditsala tse mo gongwe di felelang di mo timetsa. Mme Gare o ne a gakolola batsadi gore mo go tsone dingwaga tseo ba tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go tsenya bana bao mo tseleng ka go ba rotloetsa, segolo bogolo go tlhoafalela dithuto ka seo se ka thusa go ba betlela bokamoso jo bo siameng le gone go nna batsadi ba tlhwatlhwa ba ba nang le boikarabelo ka moso. Mogolwane go tswa mo go ba boipelego Rre Patrick Oats o ne a bolelela fa mo malobeng batsadi ba ne ba lobela bana loso fa batsadi ba tlhokafetse, selo se a reng se ne se sa siamela bana ka ba ne ba ipotsa dipotso le go etsaaetsega fa ba ntse ba gola. BOKHUTLO society 9 Banni ba kopilwe go somarela dipone Mopalamente wa Letlhakeng Bophirima, Rre Ngaka Ngaka o kgothaditse batsadi le bana kwa Metsibotlhoko go tshwara dipone tse ba di abetsweng ke ba lekgotla la Bourke Family Foundation ka tshwaragano le ba Botswana Book Project ka manontlhotlho. E rile a amogela dipone tseo go tswa mo moemeding wa Bourke Family Foundation ebile ele moeteledipele wa Botswana Book Project, Mme Andrea Malenya, Rre Ngaka a supa fa ba segofetse thata ka jaana bana ba sekole sa motse oo e le bangwe ba se kae ba ba tlhophilweng lefatshe leno ka bophara go akola dimpho tseo. Rre Ngaka o tlhalositse fa dipone tseo di tla thusa bana thata ka go dira tiro ya sekole le fa gole bosigo ka jaana bontsi bo sena motlakase mo malwapeng. E rile a itebaganya le batsadi, a bolela fa tiro ya makgotla oo mabedi, e bong Bourke Family Foundation le Botswana Book Project e fedile mme ee setseng ya go netefatsa gore dipone di dirisiwa sentle ele ya batsadi. A re le fa ntswa sekole se se botlana sa Metsibotlhoko se dira sentle, go matshwanedi gore ba rotloetse bana go bala gore maduo a bone a kgatlhise le go feta. O kgothaditse batsadi go oketsa kemonokeng ya bone mo baneng, a tlatsa ka gore ba tshwanetse go berekela mo goreng le bone ba bone go na le dialogane tse di dirang ditiro tse di botlhokwa mo setshabeng mme ba tsene mo sekoleng sa motse wa bone. Rre Ngaka a re seo seka dira gore madi a a dirisitsweng go reka dipone tse e seka ya nna mmoafela. Rre Ngaka o rotloeditse bana go tshwara dipone tseo sentle gore di seka tsa senyega le gore ba kgone go di tlogelela ba bangwe fa ba fetsa sekole mme a ba lemotsha gore fa ba ka di tshwara ka lerato go ka ba thusa go tokafatsa maduo a bone. E rile a tswa la gagwe, Mme Malenya a bolela fa dipone tseo, di ka dirisiwa lebaka le le telele e bile se se siameng ka tsone ke gore di dirisa motlakase wa marang a letsatsi. A re dipone tse ba lekgotla la gagwe ba di abela bana mo mafatsheng a go nang le mafelo a a senang motlakase mo go one jaaka Botswana, Tanzania le Ghana, a tlatsa ka gore mo Botswana ba abetse bana ba Serinane le Metsibotlhoko mme ba mo tseleng ya go abela ba bangwe kwa Kgope, go bapa le Lentsweletau mo kgaolong ya Kweneng. A re ba dira jaana gonne ke maikaelelo a makgotla oo mabedi go tsaya karolo mo go nneng le tshaba e e rutegileng ka 2016. Bokhutlo education 4 Lekgotla le ruta maloko Lekgotla la dikoporase la Serowe le sa tswa go dira thulaganyo ya go kopanya, go ruta le go gakolola maloko a lone ka koporase, morago ga go lemoga fa bontsi jwa maloko bo sa lemoge seabe sa bone mo koporaseng le go itse fa e le ya bone. E rile a bula semmuso bokopano joo, mogolwane wa dikoporase a okametse kgaolo ya legare, Mme Thapiso Mmopelwa a tlhalosa fa bokopano jwa mofuta o, bo le botlhokwa mo malokong, a re kwa ntle ga maloko koporase ga e na botshelo. Mme Mmopelwa a re mo dinakong tseno dikoporase di solofelwa gore di bo di setse di godile di ka ikemela ka nosi ka di tswa kgakala di ikaegile ka puso, mme a akgola bogogi le bodiredi jwa koporase ya Serowe Marketing Cooperative Society (SMCS) go bo bone jwa bona go le matshwanedi go rulaganya dithuto tse. A re thuto ke sengwe sa dilo tse di tswelelang nako le nako, ka gantsi e thoka therisano le puisano. O ne a rotloetsa maloko go reka mo koporaseng gore e tle e gole, gape o ne a ba gakolola gore go botlhokwa go tswakanya kgwebo, seo e le gone go godisa letseno mo dikoporaseng. A re maloko ke one a ka tswang ka megopolo ya se se ka dirwang go atolosa kgwebo gore e dire dipoelo. Mme Mmopelwa a re go botlhokwa go ngokela banana mo dikoporaseng ka maikaelelo a go di godisa le gore ba tle ka dikitso tsa go tlhabolola. O ne a supa fa dikoporase di tsamaisiwa ka melawana, a tlhalosa fa le bone ba tshwanetse go nna le melawana e ba eletsang go tsamaisa ka yone, mme e sa kgopakgopetsane le ya puso. Mongwe wa dibui, Mme Gaborone Gaothobogwe yo e leng mogolwane, a lebaganye le tsa thuto kwa ofising ya Serowe, a re go botlhokwa gore melawana e salwe morago e bo e diragadiwa ka fa e kwadilweng ka teng ka maikaelelo a go godisa koporase gore e nne le dipoelo. Mme Gaothobogwe o ne a ama dintlha dile nne tse koporase e di solofelang mo malokong jaaka go dirisa koporase, go lemoga fa e le bone beng ba koporase, go itse fa tsamaiso ya koporase e le mo maruding a bone, go akola dipoelo ga maloko. Mongwe wa bagolwane le ene a direla mo koporaseng ya Serowe, Mme Doris Mbereki ene o ne a bua ka seabe sa dikoporase mo itsholelong ya lefatshe. A re di tlhamela Batswana ditiro. A re koporase ya (SMCS) e tlhametse Batswana ba le masome mane le borataro ditiro. A re se sengwe ke go nyeletsa lehuma mo Batswaneng ka go ba fa monyetla wa go ka itirela le go dirisa di-tsa tlholego, go fa bomme monyetla wa go tlhabolola matshelo a bone le bana. A re se sengwe se dikoporase di solofelwang go se dira ke go atametsa ditirelo kwa bathong, boikarabelo jwa maloko go ngokela batho mo koporaseng, go e bapatsa le go bua ka mosola wa yone. O ne a tsaya sebaka go tlhalosa ka boleng le tsamaiso ya dikoporase mo malokong. A re kopoase e agilwe ka maloko, bogogi le bodiredi. A re ke poto e e maoto mararo, ka jalo fa lengwe la maoto ao le ka tlhotsa poto e ka theoga. O ne gape a tlhalosetsa maloko ka melawana e e tsamaisang lekgotla la bone. Fa a amogela baeng, mokhanselara wa kgaolwana ya Kgosing, Rre Lesego Raditanka a re thulaganyo ya bokopano jo e ya go solegela maloko molemo. A re ke sone se se tlhokegang gore fa batho ba neetswe gore ba disetse morafe, ba nne ba ba bitsa go tla go ba lekodisa ka di-tsa bone. Rre Raditanka o ne a leboga barongwa ba koporase a re ke batho ba ba nang le boikarabelo fa ba bone go le matshwanedi go bitsa bokopano jwa mofuta o, a re kgang kgolo ke go tla go buisana le go tswa ka ditshwetso tse di ka isang koporase kwa pele. Modulasetilo wa khuduthamaga, Rre Moji Moaro o ne a supa fa go nna teng ga maloko mo ithutuntshong e go tiisa bogogi le bodiredi moko, gape go ofa koporase seriti le serodumo. A re go nna teng ga bone go supa boikarabelo jwa maemo a a kwa godimo mo tsamaisong ya dikoporase. Modulasetilo wa komiti potlana ya thuto mo koporaseng ya Serowe, Mme Gillian Gwaila ene o ne a tlhalosa fa bokopano jo e le go tla go lekodisana le maloko ka koporase ya bone le go batsibosa ka boikarabelo le seabe sa bone mo go yone. Maloko a ne a lebogela dithuto tseo mme ba supa fa bontsi jwa bone ba ne ba itse fela e le maloko, ba sa lemoga fa e le bone beng ba lekgotla. Bangwe ba ne ba re a go rotlowediwe banana go nna maloko le go gakolola gore go etelwe dikgotla tsa Serowe, go rerela batho ka dikoporase le mosola wa tsone. education 4 Healing church e aba melora Bana ba masiela le batlhoki ba sekole se sebotlana sa Serorome kwa Palapye ba abetswe melora ke mokgatlho wa bomme wa Healing Church. Fa a bua mo potsolotsong morago ga go abela bana melora eo, moruti wa Healing Church mo Palapye, Rre Shadrack Tshupelo o ne a supa fa bomme ba kereke eo go ralala lefatshe ba ne ba ikopanya ba gwetlhwa ke lerato le kutlwelobotlhoko mme pheletsong ba gopola bana ba masiela le batlhoki ba sekolo se sebotlana sa Serorome. Rre Tshupelo a re bomme ba Healing Church ba tswa kgakala ba tsentse letsogo mo ditirong tsa bopelotlhomogi go thusa le go tshwaraganela le puso mo go namoleng ba ba tlhokileng lesego. A re mo bokopanong jwa bone jwa monongwaga kwa Palapye, mokgatlho wa bomme wa Healing Church o ne wa dumalana go thusa bana ba masiela le batlhoki ba sekole sa Serorome ba feta makgolo a mane. “Bomme ke bone diphuka tsa kereke ya rona, kwa ntle ga bone re ka seke re fofe re le kereke. Lerato ke lone botshelo, kwa ntle ga lerato ga go na Modimo” a tlhalosa jalo. Rre Tshupelo a re go botlhokwa gore dikereke di tshwaragane le puso go thusa mo ditirong tsa bopelotlhomogi le mo botshelong jwa motho ka kakaretso, a supa fa seo se ka rarabolola dikgwetlho di le dintsi tse di aparetseng lefatshe. Fa a tswa la gagwe, mothusa mogokgo wa Serorome, Mme Dikabelo Ketshabile o ne a leboga Healing Church a kaya fa go thusa baithuti ba ba tlhokang go supa fa kereke eo e le pelotlhomogi. A re kereke eo e tlaa segofala le go feta mo ditirong tsa yone tsa bopelotlhomogi a tlhalosa fa go le lesego letsogo le le abang go na le le le amogelang. “Setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata mme e bile moroto wa o esi o sa ele, ke gwetlha kereke ya Healing Church go tswelela e itshwaragantse le dikolo go thusa bana ba ba nang le botlhoki. A re lekodisaneng ka mathata a rona” a bua jalo. Kgosi wa kgotla ya Extension 4 le 3 mo Palapye, Kgosi Monthusi Kgosiesele a re ntswa dikereke mo lefatsheng leno di na le letlhoko la madi, di tsweletse ka go thusa mo setshabeng. A re lekgetho la dikereke le kwa godimo mme seo se bolaya maiteko a dikereke mo go thuseng setshaba, ka jalo a kopa puso go sekaseka lekgetho la dikereke. “Fa lekgetho le ka fokodiwa, go ka nna bonolo gore dikereke di tswelele ka go thusa mo setshabeng ka ba ka boloka sengwenyana go na le go akanyetsa go boloka madi a lekgetho le le kwa godimo,” Kgosi Kgosietsele a tlhalosa. Bokhutlo society 9 Masukwane,Pole ba kopa tekodiso ka tsela, metsi Banni ba Pole le Masukwane mo Bokone Botlhaba ba ikuetse kwa mopalamenteng wa Tati Bophirima, Rre Biggie Butale gore ga ba bolo go letela tekodiso ka tsela e e gokaganyang Tshesebe, Mosojane le Masunga, segolo jang morago ga go gogela morago rakonteraka yo o neng a filwe tiro eo. Ba re tsela eo e ka bo e ba tlhofofaletsa mosepele ga mmogo le go ba tlhamela ditiro. Ba re morago ga go gogela rakonteraka morago, ga gona ope yo o kileng a tla go ba lekodisa ka seemo. E rile a tswa la gagwe, Kgosi Dick Chikuba wa Masukwane, a kopa Rre Butale go ikgolaganya le ba ba maleba ka seemo sa tsela eo. Mo go tse dingwe, Kgosi Chikuba o ne a lela ka tshenyo ya ditlou kwa masimong. A re ditlou tseo di dikile gape di senyeditse balemi bangwe thobo, a tlatsa ka go re go makgetho a le mmalwa ba ikuela kwa lephateng la diphologolo mme go se ope yo o ba tswang thuso. A re ngogola balemi ba ne ba felela ba ipaakanyetsa masimo bangwe ba lema sesha morago ga go leta dithuso ka lobaka go tswa kwa lephateng leo. Mothusa mogokgo wa sekole se sebotlana sa Masukwane, Mme Pauline Monyamane le ene o ne a nankola matshwenyego a ba kopanang nao kwa sekoleng, a akaretsang letlhoko la dijo, tlhaelo ya dikwalo tse di balwang ga mmogo le koloi e e ba tseelang bana ba ba nang le bogole go tswa mo Masukwane go ya kwa sekoleng sa ba-na-le bogole sa Moroka. A re ba itumeletse maduo a lokwalo lwa bosupa ka a supa fa tiro ba e dira, mme a supa fa ngwana yo o nang le bogole a ne a seka a dira bontle ntateng ya gore o ne a tlhoka koloi e e mo isang sekoleng kwa Moroka. A re baithuti ba le batlhano ba tsere A, ba le bararo ba tsereng B, ba le barataro C. Kwa Pole Kgosi Clinic Ketlogetswe le ene o ne a kopa mopalamente go ba kopela tekodiso ka seemo sa tsela, a tlatsa ka go re paka ya dipula e tloga e ba fitlhela, mme bana ba palelwe le ke go ya dikoleng. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Mme Bonolo Eric o ne a kopa mopalamente go ba tswa thuso ka seemo sa kokelwana, a tlhalosa fa se ngomola pelo, segolo jang fa dipula di ka na. A re pula e dikile e kolobeditse dipampiri tsa booki. Rre Butale o ne a ba tshepisa go sala morago kgang ya tsela, a tlatsa ka go re ba lephata la ditsela ba ne ba lekodisa khansele ya Bokone Botlhaba ka seemo sa tsela ya Tshesebe mme go solofetswe fa metse e e amegang e tlaa lekodisiwa. O ne a ba itsese fa palamente e fetisitse molao-kakanyetso wa dikatso tsa ba ba tlaa angwang ke diphologolo kwa masimo. politics 7 Dikhamphani le batho ba tsibogela seemo Molaodi wa kgaolo-potlana ya Letlhakeng Mme Ikgopoleng Lekoape a re thulaganyo ya go abela dijo ba ba amilweng ke manokonoko a mogare wa corona e tsweletse sentle mo kgaolong. Fa a buisana le O supile fa ba abetse batho ba le bantsi dijo go sena dikgwetlho dipe ka ba ne ba na le dikoloi tse ba rwalang dijo ka tsone. Molaodi o tlhalositse fa dijo tse dingwe di ne di rekwa ke khansele fa tse dingwe e ne e le dithuso go tswa mo dikhamphaning le batho ka bongwe ka bongwe. Mme Lekoape o tlhalositse fa Rre Otsenye Tsietso wa madirelo a Tokeys Lodge a ne a ntshitse madirelo a gagwe gore go faphelwe batho ba ba amilweng ke mogare wa Corona mo go one, o tlhalositse fa ka lesego go ise go nne le ope yo o tshwerweng ka mogare oo mo kgaolong. Molaodi o boletse fa Rre Tsietso a ne a aba kgomo e e neng ya tlhajwa ya bo ya abelwa batho, mme ba selaga ya Hope Bromo ba ne ba thusa ka go e segelela le go e kala gore e kgone go abelwa batho ka selekanyo se se lekanang. health 6 Ditlou di apesitse Gungwe kobo ka letshoba Banni ba Gungwe mo kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima ba lela ka ditlou tse ba tlhalosang fa di ba apesitse kobo ka letshoba. Ba ntshitse matshwenyego a mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre Biggie Butale kwa motseng oo bosheng. Ba re ba tshelela mo letshogong ka ntata ya ditlou tse ba reng di saila mo tikologong ya motse. Kgang ya letshwenyo la ditlou e ne e begilwe ke Kgosi Sunnboy Buka mo mafokong a gagwe a kamogelo baeng. Kgosi Buka o boleletse mopalamente fa ditlou tse di senya, segolobogolo mo masimong e bile gape di le diphatsa le mo matshelong a batho. Mo go tse dingwe, Kgosi Buka o ne a gakolola morafe go tlotla pina ya setshaba, a supa fa go sa itumedise gore nako le nako morafe o bo o kopiwa go tlotla pina e mme go sena tema e e bonalang. Le fa go ntse jalo, Kgosi o ne a lebogela morafe thitibalo e e neng e rena mo malatsing a botsalo jwa Morena le go amogela ngwaga o mosha. Ka jalo, o ne a gwetlha banni ba Gungwe go tswelela ba supa boitshwaro joo go ya go ileng. Mo tekodisong ya gagwe mabapi le ditlhabololo tsa motse, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya motse, Mme Rosemary Nfanyana o ne a itsese mopalamente fa ba kgonne go dira ditlhabololo dingwe mo motseng ka madi a a abelwang dikgaolo ka lenaneo la Ipelegeng. Mme Nfanyana o ne a tlhalosa fa lenaneo la nyeletso lehuma le tsweletse sentle kwa Gungwe mo e bileng bontsi jwa batho ba ba neng ba ikopetse ba setse ba thusitswe. Mo go tse dingwe, modulasetilo o ne a kopa gore go okediwe matlo a borutelo kwa sekoleng se sebotlana sa motse, a bo a ikuela kwa pusong go sekaseka go oketsa dikatso tsa Ipelegeng. Mme Nfanyana o ne a supa maphata a dikitsiso le kgaso ka monwana, a re ga a ke a gatisa dikgang tse di amang motse wa bone mo pampering ya dikgang ya E rile ba akgela, banni ba Gungwe ba ne ba supa fa go na le ketsaetsego mo dithulaganyong tsa temo ya paka eno e bile dipeo jaaka mmidi di tlhaela. Mopalamente Butale yo gape e leng mothusa tona wa lephata la botsogo le boitekanelo, o ne a gakolola ba ba thusitsweng ka mananeo go netefatsa gore ba tlhokomela sepe se ba ka tswang ba thusitswe ka sone. A re tsholofelo ke gore dithuso tsa go nna jalo di ba solegele molemo mo ba ka kgonang go itshetsa le ba malwapa a bone. Ka kgang ya ditlou, Rre Butale o ba solofeditse fa a tlaa e lebisa ba lephata la diphologolo le makgabisa naga, a bo a ba tshepisa fa a tlaa fetisetsa dikopo tsa bone tse dingwe kwa go ba ba maleba. Fa a arabela kgang ya temo, molemisi go tswa kwa Masunga, Rre Poloko Osenotse o ne a tlhalosetsa banni gore ba phakisa dipeo morago ga go dira ditshekatsheko, go bona gore ke di fe dipeo tse di ka itsetsepelang mo kgaolong go ya ka phetogo ya loapi. A re ke sone se peo ya mmidi e neng e se kalo, ka jaana go lemosegile fa mo seemong se dipula di leng boutsana ka teng o ka seke o kgone go itepatepanya le seemo seo fa go tshwantshanngwa le dijalo tse dingwe jaaka mabele. Rre Osenotse o ne a gakolola banni go nna ba etela diofisi tsa bone fa go na le dingwe tse ba bonang di sa tsamae sentle go na le go emela diphuthego tsa mopalamente. society 9 Ba batla metsi a Ntimbale Baagi ba Butale kwa kgaolong ya Tati Botlhaba ba supile dingongora dingwe mabapi le khamphani ya metsi ya Water Ulitilties Corporation. Ba ne ba bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mopalmente wa kgaolo, Rre Samson Guma bosheng. Modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Captain Njamela o boletse fa motse o batla go sielwa metsi a letamo la Ntimbale. Rre Njamela a re go tlhabisa ditlhong gore metsi a Ntimbale a bo a akolwa ke batho ba dikgaolo tse dingwe bone ba utlwa a nkga fela, ka jalo a re a le bone ba a sielwe. Mo go tsedingwe o ne a ngongoregela go tlhoka boammaruri ga ba WUC a re e sale ba tsere ditirelo tsa metsi go tswa kwa water affairs ga ba itse gore go diragala eng, bogolo jang ka dituelo tse di kwa go dimo tse ba di bonang. A re gangwe le gape batho ba amogela makwalo a go duela metsi a le mararo, mme madi a teng a sa tshwane, a tlatsa ka gore o belaela bonweenwee. A re madi a dituelo tsa metsi a a lopiwang, ke a a boitshegang, mme ka jalo a kopa kompone eo gore e tsamaise ditirelo tsa yone sentle ka fa mokgweng. Fa a tsibogela matshwenyego a metsi, mopalamente Rre Guma o ne a re ke boammaruri metsi a turu, a tlatsa ka gore seemo se tlaa baakanngwa mo tsamaong ya nako. Rre Guma o ne a kopa morafe go kgoba kgetsi, a re a dilo tsotlhe fa di simolola, di nna le makgwere mme phelelong go a siama. O ne a bega gore go na le thulaganyo le madi a kana ka P300 060m a a lebagantsweng go thusa seemo sepe se se imelang kompone eo. Le fa go ntse jalo o ne a kopa lekalana leo go isa ditirelo tsa lone kwa bathong, mme ebile a re ope a seka a kgaolelwa metsi. Mo go tse dingwe banni ba ne ba kopa kgokelo ya motlakase mo diofising tsa puso tsotlhe le matlo a bodirelapuso. Rre Njamela o ne a kopa gore mo kokelwaneng ya motse, go nne le mooki wa bobedi go thusa tiro bogolo jang fa o mongwe a seyo, a tlatsa ka gore fa mooki yo a leng esi, a dule ka tsa tiro, balwetsi ba sala fela mo legoeleleng. politics 7 Ba dikgolegelo ba ikuetse mo morafeng Morafe wa Shakwe o kopilwe go nna le seabe mo go ageng magolegwa sesha. Kopo eo e dirilwe ke mookamela kgolegelo ya Mahalapye, Senior Superintendent Shakani Thani mo phuthegong ya kgotla ka Labone. A re ba ba tswang dikgolegelong ba feditse go sekela melato ya bone le go agwa sesha gore ba nne le mosola mo setshabeng. Rre Thani a re maikaelelo a go baya badira molato mo kgolegelong ke tsela nngwe ya go atlhola. Rre Thani a re le fa gone badira molato ba nna mo dikgolegelong e le katlholo ba tswelela ba fiwa dithuto le tshidilo maikutlo ka maikaelelo a go retolola ditlhaloganyo tsa bone gore ba kgaogane le ditiro tsa borukutlhi. O supile gore ka nako eo, badiri ba dikgolegelo ba dira ditlhotlhomiso go bona se se ka tswang se dirile gore mongwe a inaakanye le borukutlhi gore ba kgone go fiwa thuso e e lebaganyeng. A re go sidila maikutlo le dithuto di dirisiwa go suga ditlhaloganyo tsa badira molato gore ba fetoge ba kgone go amogelesega mo setshabeng. Le fa go ntse jalo, Rre Thani a re o tshwenngwa ke gore badira molato ba pele ba tswelela ba kgethololwa ke setshaba, selo se se dirang gore ba ipone ba sa amogelesege, ka jalo bangwe ba bone ba felele ba dira melato gape ba bona e le yone tsela e e ka ba thusang go tswa mo tikologong e e sa ba amogeleng. Rre Thani a re badira molato fa ba le kwa dikgolegelong ba fiwa sebaka sa go tsweledisa dithuto tsa bone, a tlatsa ka go re bangwe ba bone ba dira dithuto tsa tiro ya diatla jaaka go betla, temo ya merogo le go bopa ditena. O tsweletse a supa gore le fa modira molato a atlholetswe kgolegelong o kgona go fiwa sebaka sa gore bontlha bongwe jwa katlholo e nne go direla setshaba, ka jalo motho wa go nna jalo o ntshiwa mo kgolegelong mme a tswelele a dira tiro e a e filweng mo diofising tsa puso. Le fa go ntse jalo, Rre Thani a re ba ba filweng sebaka sa go fetsa katlholo ba direla setshaba le bone ba na le kgwetlho ya go tlhoka go amogelwa ke setshaba. “Bagatesho batho ba ke bana ba lona, go nna kwa kgolegelong ke ga nakwana ka gore fa ba wetsa dikatlholo tsa bone ba boela mo setshabeng. Ka jalo a re ithuteng go tshela le bone re ba amogele.” Rre Thani a re go a tshwenya ka gore ba nna ba lebilwe ka leitlho la kilo le pelaelo ya gore ga ba ise ba fetoge, ka jalo sepe se se senyegang mo lwapeng go lejwa bone pele. A re ba bone ba palelwa le ke go kgalema bana mo malwapeng ka gore fela jaaka a tsholetsa lentswe e nna gore o batla go simolola mekgwa ya gagwe e e duleng mo tseleng. O supile gore morafe ke karolo e e botlhokwa mo go ageng magolegwa sesha. Rre Thami o ne a tlhalosa gore ba ba fetsang dikatlholo tsa bone lenaneo la go ba aga sesha le ise le wele ba tswelela ba thusiwa ke makalana a mangwe a puso jaaka ba boipelego gore ba kgone go tswelela le botshelo ba sa amane le borukutlhi. Le fa gone a sa dumela thata mo Setswaneng se se reng phokoje ga a ke a latlha moseselo, Rre Thani ga a latole gotlhelele gore bangwe ba tshwakgotswe ke mekgwa e e duleng mo tseleng. O gatelela botlhokwa jwa go amogela ba ba tswang dikgolegleong gore ba phuthologe ba lemoga gore ke nnete ba seketse melato ya bone. A re ba tswa kgolegelong ba na le dikitso, ka jalo go botlhokwa gore ba thapiwe gore ba kgone go dirisa kitso ya bone go itshetsa. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Balemi kwa Ga-Ngwaketse ba itumile molomo wa tlase Ke semphete ke go fete kwa marekisetsong a Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) a Kanye ka boidiidi jwa balemi ba kubugela teng moso le moso go reka dipeo go ipaakanyetsa temo ya monongwaga. E rile lekoko la BOPA le etetse teng bosheng, la fitlhela balemi ba tletse kwa marekisetsong ao ba le mo meleng go phaka dipeo. Go lebega balemi bao ba nyoretswe go ya go lema monongwaga ka ba ntshitswe pelo ke temo ya ngogola e bontsi bo neng bo boetswe fela thata. Balemi bangwe ba boletse fa ba emisitse ditshukudu tsa temo kwa masimong morago ga pula e e neleng bosheng mo dikgaolong dingwe tsa Borwa. Mogolwane mo lekalaneng la BAMB kwa Kanye, Mme Segametsi Mokoto o boletse fa monongwaga ba amogela balemi ba bantsi ba ba supang fa ba na le kgatlhego e tona ya go lema mme e bile bangwe ba santse ba tlisa thobo ya ngogola. Mme Mokoto a re lenaneo la puso la ISPAAD le rokoditse Batswana thata gore ba leme ka puso e ba thusa mahala kamenontshane, dipeo le molemo wa mhero. O boletse gape gore ngogola balemi ba bone thobo e e nametsang ke sone se se ba gwetlhileng sa ba sa ba tiisa moko mo temong mono ngwaga. Diofisi tsa BAMB mo kgaolong ya Borwa di fitlhelwa kwa Moshupa, Kanye le Pitsane mme go lebega monongwaga di tla hupetswa ke balemi ba ba rekisang teng le ba ba rekang. Balemi ba boletse fa ba ikaelela go lema dijo tse di lekaneng gore ba je bontlha ba bo ba rekisa jo bongwe. O tsweletse a re balemi ba leboga lenaneo la ISPAAD ka ba re le ba ntshitse mo manokonokong a leuba ka jaanong bontsi bo na le dijo e bile ba ikaelela go di oketsa. economy_business_and_finance 3 Ba amogetse pego ya kgaoganyo ya madi Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba a amogetse pego ya kakanyetso ya kgaoganyo ya madi a ditiro tsa khansele ya ngwaga wa 2016/2017. Makhanselara a amogetse pego eo mo phuthegong e e faphegileng ya khansele kgwedi eno e le lesome le borobabobedi, morago ga pego e ba neng ba e fiwa ke modulasetilo wa komiti ya madi ya khansele, Rre Israel Samu. E rile a lekodisa makhanselara, Rre Samu, yo gape e leng mokhanselara wa kgaolwana ya Kalakamati, a tlhalosa fa kakanyetso ya kgaoganyo ya madi e supa fa khansele e tlhoka P133, 961, 450. go ka kgaoganngwa le maphata otlhe a khansele. Mokhanselara Samu o ne a re le fa go ntse jalo, go nnile le phokotsego ya 2 per cent mo ngwageng wa madi wa 2016/2017 fa go tshwantshanngwa le ngwaga o o fetileng ka jaana khansele e ne e tlhoka P136, 348,660, go diragatsa ditiro tsa khansele. A re go mo maruding a bone e le makhanselara le ba-na le seabe ba bangwe go netefatsa gore ba dirisa se ba nang le sone go leka go dira ditiro tsa khansele. Mokhanselara Samu o ne a gakolola ba-na le seabe botlhe go dirisa madi ka kelelelo, a re gape ba tshwanetse ba itse fa kgaoganyo eo ya madi a khansele e sa ame setlhopha sengwe sa batho, mme e le ya kgaolo ya Bokone Botlhaba ka bophara. Mo kgaoganong ya madi ka maphata a khansele, maphata mangwe a tlaa iponela koketsego, fa a mangwe a tlaa bona phokotso ya madi, e le go ya ka mabaka a a farologaneng. Mokhanselara Samu o ne a tlhalosa fa lengwe la maphata a a okeleditsweng madi e le la tlhokomelo tikologo le botsogo jwa batho ka jaana le tlaa tlhoka P8,110,340 fa go tshwantshanngwa le P6 933 340 wa ngwaga o o fetileng. A re lephata leo le okeleditswe madi ka jaana khansele e tsere tshwetso ya go oketsa dituelo tsa ba ba hirelwang go tsaya matlakala ka dikotsikara mo metseng mengwe ya kgaolo, go tswa kwa go P750 go ya kwa go P800 kgwedi le kgwedi. Le fa go ntse jalo, mokhanselara wa kgaolwana ya Ramokgwebana, Rre Phikisani Makgetho o ne a re keletso ya gagwe ke gore ba nne ba fiwa pego eo, ya kakanyetso ya kgaogano ya madi a khansele nako e sale teng, a re seo se ka ba fa sebaka sa go e sekaseka mo go tseneletseng. politics 7 Lotlaamoreng o kgala semorafe Mopalamente wa kgaolo ya Goodhope-Mabule, Kgosi Lotlaamoreng, o buile a sa kgale mathe ka mokgwa wa semorafe o o kukelang ka monokela mo merafeng e mengwe. O buile seo ka Labone mo phuthegong ya kgotla kwa Sedibeng morago ga gore monni mongwe a ikuele fa banni ba bangwe ba ba kgokgontsha ka dipuo ba re ba tswe mo motseng wa bone ebile ba ba bitsa batswakwa. Kgosi Lotlaamoreng o tlhaloseditse morafe gore semorafe ga se bope setshaba. O gwetlhile morafe go nna le neelano mo merafeng yotlhe ka jaana bangwe ba nna mo mafelong ka go farologana ka gore ba a bo ba isitse ditlamelo kwa setshabeng. O ne a tlhalosa fa Motswana mongwe le mongwe a na le tshwanelo ya go nna kwa a batlang teng mo lefatsheng leno. Mo dikgannyeng tse dingwe, o ne a lebogela kemo nokeng ya banni ba kgaolo ka nako ya ditlhopho ka go mo tlhopha go nna moemedi wa bone wa kgaolo kwa palamenteng. Kgosi Lotlaamoreng o ne a gwetlha balemi go dirisa mananeo jaaka ISPAAD go agelela masimo a bone go itsa gore dijwalo di jewe ke dikgomo ka ke nako ya letsema. A re ISPAAD e tlaa thusa go nonotsha le go busetsa serodumo sa temo mo kgaolong ya bone ka jaana kgaolo ya Barolong e tlotlegile ka temo go tswa goo lowe. O ne a tlatsa ka go gwetlha batsadi go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana, a supa fa maduo a sekole se segolwane sa Molopo a sa jese diwelang ka a wela kwa tlase ngwaga le ngwaga. Fa a fa malebo, mokhanselara wa kgaolo ya ga gaMolopo Mme Dorah Pandor o ne a iteela kobo moroko mafoko a mopalamente a go gwetlha batsadi go tshwaraganela thuto ya bana gore ba tsoge ba nna babusi ba ba nang le dikitso go ka thusa go tsweledisa go tlhabolola lefatshe leno. O ne a kgala mokgwa wa kgethololo ka letso le mmala, a supa fa o kgaoganya setshaba, ka jalo a kopa banni ba Molopo go kgaphela kwa ntle mokgwa oo. A re go nna ka ledula le kagiso ke selo se se botlhokwa thata ka jaana se godisa serodumo sa kagiso ya lefatshe leno. society 9 Banana ba filwe sebaka sa go itshupa Tona wa Boranyane, Dikago le Boitseananape, Rre Nonofo Molefhi, a re puso ya Botswana ga e eteletse pele go ka dirisanya le dikhamphani tsa kago tse di tswang kwa ntle ga lefatshe la Botswana ntswa go na le tsa Batswana tse di nang le kitso le maitemogelo. Tona Molefhi o boletse se fa a ne a abela dikonteraka tsa banana tiro ya go baakanya dikago tsa sepodise sa Palapye tse dikgologolo ka Labotlhano. Mme pele ga Tona Molefhi a bua, mothusa mokwaledi yo mogolo go tswa mo lephateng la ga Tona Molefhi, Mme Judith Nwako, o ne a nna le tshono ya go begela morafhe ka yone tiro ya kago eo. Mme Nwako are lephata la gagwe le ntshitse selekanyo sa madi a P10 000 000 go shaafatsa dikago tsa sepodise sa Palapye tse dikgologolo mme o ne a gape are tiro e e abetswe banana ba Batswana ba ba itseng kago. Fa a tswelela, o ne are tiro e e kgaoganyeditswe dikonteraka tsa banana tsa kago di le boferabobedi mme go setse go sainile dile supa mo nakong ya gompieno mme e le nngwe etla sainisiwa mo bogautshwaneng. O boletse gape fa go dirilwe tumalano le kikonteraka tsa metlakase di le tlhano ka mokwalo mme tse tlharo di le mo tseleng ya go saena le tsone. O boletse gape fa ba dira ditumelano le dikonteraka tse dingwe tsa banana ba Botswana tsa dikitso tse di hapegileng mo tirong ya kago. A ba setse ba saenile dikonteraka tsa madi a a tshwarang P8.5 million go dira tiro e. O tlhalositse fa go le molemo gore tiro e e bo e abetswe dikompone tsa Batswana mme a rotloetsa gore ba golagane le tumalono e ba e dirileng ba bo ba feleletsa tiro ka nako e dumalanweng gore ba seka ba nna le ditlamorago tse di maswe. O boletse gape gore ko Mahalapye le Mogoditshane go nale ditiro tse di tshwanang e tse di abetsweng dikonteraka tsa banana tsa Batswana. Erile fa a fiwa tshono ya go bua mo boemong jwa dikoteraka tse di filweng tiro e, Rre Thulani Mkanda o ne a tlhalosa fa tiro e tsamaya sentle ebile go sena mathata ape. One a solofetsa fa ba tla tsaya tiro ka tlhwaafalo ba bo ba e wetsa ka nako e dumalanweng. O tlhalositse gape gore ba tlhapile banana ba Palapye go ba direla mmereko. Are ba bone gole maleba gore ba reke dithoto le didiriwa tsa kago mo marekisetsong a Palapye go rotloetsa kgolo ya itsholelo ya motse o. Erile a bua la gegwe, Tona Molefhi o ne are goromente wa Botswana o ikaeletse go dirisanya le dikompone tsa Batswana tsa banana go dira ditiro tsa boleng jo bo riling mo lefhatsheng le. O tlhalositse fa ba neela banana ditiro tse gore di kgone go ba bula matlho le go ba fa maitemogelo a a rileng a kago gore e tle e nne bone ba ba ka aging lefatshe la Botswana mo bokamosong. Tona o ne a tlhalosa fa tiro ya kago ele tiro ya bokgoba ka e batla go dirwa ke dinatla ka manontlhotlho gore le tsone dikago tse di agilweng di seka tsa nna borai mo badirising ba tsone. O tlhalositse fa baagi ba ba tlhwaagaletseng tiro ya bone ese baagi ba ba isang madi kwa pele. One a gwetlha bo radikonteraka ba gore ba seka ba itlhanaganelela go fetsa tiro ya bone mo nakong ee beilweng ba bo ba lebala gore tiro e tshwanetse ya nna le boleng jo bo kwa godimo. A ba kopile gore ba dire tiro ya bone ka botlalo le bonatla gore e tle e swabise baba nyatsang dikitso le bodiredi jwa banana le gore ba tle ba supelwe ke ditiro tsa bone mo go mo go baba abelang dikompone ditiro tsa mofuta o le mo sechabeng ga mmogo le goromente wa bone. Tona Molefhi o tlhalositse fa go se sepe se kgoreletsang gore fa go nale tiro e e ntshitsweng ya kago, banana ba bo ba ikopanya ka dikitso tsa bone ba bo ba tsenya kopo ya go ka edira. O rile fa banana ba ka dira ditiro tsa bone sentle, ba ka nna le ditshono tsa go fiwa ditiro tse dingwe kwa mafatsheng a mangwe. O tlhalositse fa a eletsa go bona fa dikompone tsa Batswana di itleisana boratlhana le tsa mafatshe a a selo ka seo e le selo se se ntle thata. Tona o tlholoseditse bo radikonteraka ba ba abetsweng tiro ya go shaafatsa dikago tsa sepodise tsa Palapye e rulaganyeditswe go wela ka kgwedi ya Morule mono ngwaga ebile go se kake ga nna le nako le madi tse ba tla di okelediwang mme ba kopa gore le fa go ntse jaalo, ba se ka ba latlhelela tiro ya bone go gorogela kwa nakong ee beilweng mme tiro ya bone o bo e tlhaka boleng. O kopile gore ba dire tiro ka botswapelo le matsetseleko gore e kgatlhisa le one matlho a batlhatlhobi ba dikago, ka boleng jo bo kwa godimo ebile bo amogelesegang kagore fa ba ka dira jaalo ba tlaa nna le tshono ya go fiwa ditiro tse dingwe tsa maemo aa kwa godimo. Fa a fa malebo, Molamente wa Palapye Moiseraela Goya, o ne a re o tshwengwa ke gore go nale dikago dingwe tsa bogololo tse di sa tlholeng di dirisiwa ebile go lebega di latlheletsweng. O ne a tlholosa fa dikago tseo e le dingwe tse di dirisetswang borukhutlhi le dilo tse di maswe. O ne a ntsha mogopolo wa gore o tlaa buisanya le Tona Molefhi gore lephatla la gagwe le ba fe tsone gore ba di ipaakanyetse go ka nna matlo a boroko a barutabana. Tona Goya one a lebogela gore kago e ya sepodise e ya go dirisiwa gape mo bogautshwaneng. O ne a bolela fa morafhe wa Palapye one o tshwentswe ke gore dikago tsa mapodisi di beilwe kgakala le motse ebile go ba turela go ya go kopa dithuso teng. O tlhalositse fa matshwenyego a a tla fela kagore etlaa re tiro ya go shaafatsa e wela, mapodisi a mangwe a bo a tla go direla mo go yone gape. Are o itumelela gore motse wa Palapye o tla nna le diofisi di le pedi tsa sepodisi go thusa go lwantsha borukhutlhi jo bo oketsegang mo Palapye. Fa a wela, Tona one are o itumelela gore banana ba ba bo ba tlhapile banana ba Palapye go ba direla ditiro mme one a rotloetsa le ene gore ba tsee tiro ya bone ka tlhwaagalo mme ba e wetse ka nako e e beilweng. BOKHUTLO politics 7 Go leswafatsa noka ke molato Kgosi Gunny Moses wa Monarch mo Francistown o buile a menne phatla ka batho ba ba leswefatsang noka ya Ntshe, e e fetang gaufi le kgaolo ya gagwe. E rile a bua mo potsolotsong le A re matlakala a tshwana le mafura a dikoloi a a dirisitsweng le mabotlolo a a thubegileng, a ka nna diphatsa mo baneng. Mo godimo ga moo, Kgosi Moses o ne a kgala dikereke tse di dirisang noka go kolobetsa le go rapela, mme ba tlogele leswe le tshwana le matsela mo nokeng. A re go dira jaana ke go tlhoka boikarabelo e bile ke matlhabisa ditlhong. A re leswe le le gogolwa ke metsi ka dinako tsa dipula go ya kwa letamong la Shashe le le nosang diketekete tsa batho, e bile puso e dirisa madi a mantsi go tlhatswa metsi. Gape a re e le banni ba Monarch, ba tshwanetse go tshwaraganela go tlhokomela noka e, ka go thusa mo go e phepafatseng le go begela mapodisi kgotsa ba lephata la tshomarelo tikologo ka batho ba ba leswafatsang noka. A re dithuto di tshwanetse go dirwa mo bathong ka botlhokwa jwa go somarela tikologo. E re dikgang di eme jalo, Kgosi Moses o ne a supa matshwenyego ka go tlhaela ga ditanka tse di latlhelang matlakala mo Monarch, a supa fa tse di leng teng di kgona go tlala mme khansele e bo e tsaya lebaka e sa tsee matlakala. A re se le sone se ka nna le seabe mo go reng batho ba felele ba latlhela matlakala gongwe le gongwe, go balelwa le mo nokeng. Kgosi Moses a re bojang le ditlhare tse di mo nokeng di ka dira gore monang o iphitlhe mo go tsone, mme se se ka baka letshoroma. Gape o buile fa a tlaa kopana le komiti ya ditlhabololo tsa motse go bona gore babereki ba Ipelegeng ba ka seke ba theogelele mo nokeng ka nakwana go thusa go phepafatsa. health 6 Nkosho o itshetsa ka go betla Rre David Nkosho wa Makobo kwa kgaolong ya Legare ke mongwe wa Batswana ba ba iphataphatelang ka diatla tsa bone. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Nkosho, yo o dingwaga di masome marataro le bongwe, a tlhalosa fa a betla di kika, metshe, dipora, mekgabisa, megopo ya logong le tse dingwe, mme a di rekise go iponela dithebenyana. A re o ithutile go betla a sa le monnye, mme a kwatobolotsa botsipa jwa go betla mo go malomaagwe. A re o gakologelwa sentle gore e rile ka ngwaga wa 1986, a simolola ka go betla sego se se gang metsi a disitse letsomane kwa madisong, mme a seka a tlhola a boela morago. A re mo nakong ya gompieno, dithoto tsa gagwe o di betlela mo lwapeng, mme a di belese mo baesekeleng go tsamaya a di rekisa kwa Makobo le metse e e mabapi. O tladitse ka gore nako nngwe o tsena ditshupo kwa Francistown kwa a rekisang dithoto tsa gagwe teng, le go gaisana le bagwebi ba bangwe, selo se a tlhalositseng fa se mo tiisa moko le go feta. Rre Nkosho a re o dirisa ditlhare tsa morula, mosetlha, motswere le monato go dira dithoto tsa gagwe. Rre Nkosho o tlhalositse fa bontsi jwa sebaka a gama a ikotelela mo tirong e ya go betla, mme dinako dingwe a kopa bangwe go mo thusa bogolo jang go rema dithare. A re basadi ke bone ba rekang thata dithoto tsa gagwe go kgabisa ka tsone le go di dirisa kwa masimong. O buile fa bontsi jwa bareki ba gagwe ba bolelela ba bangwe ka dithoto tsa gagwe, mme se se mo tlisitse bareki ba basha. A re theko e ya kwa godimo le kwa tlase, ka nako nngwe e nna ntsi mme nako nngwe e nne selelo le khuranyo ya meno. Le fa go ntse jalo, Rre Nkosho o tlhalositse fa a setse a kgonne go ikagela ntlo ka madi a go betla. O ile a fa sekai ka kika e a e rekisang lekgolo le masome a matlhano a dipula kgotsa makgolo a mabedi fa e na le motshe, mme sepora se se nnwang a se rekisa masome a robabongwe a dipula. Rre Nkosho o tlhalositse gape fa a betlela dithoto tsa gagwe go totomatsa le go rekisa ngwao ya Setswana , e a tlhalositseng fa e nyelela jaaka mmuwane tsatsi le thaba. A re o butse dikgoro ka jalo banana ba ba eletsang go ithuta go betla ba ka ikatumetsa fa go ene mme o ka ba ruta a sa ba lope dituelo dipe. Ntleng le theko e e yang godimo le tlase, Rre Nkosho a re o itemogela gape le kgwetlho e tshwana le ya gore o rema ditlhare tse a di dirisang ka selepe mme go le bokete, mo nakong nngwe go mo tsosetsang ditlhabi mo mmeleng. A re tsholofelo ya gagwe ke gore gongwe nako nngwe puso kgotsa ope fela mosamarea yoo molemo, a mo thuse ka shaga e e dirisang malatlha gore a kgone go rema dithare. Le fa go ntse jalo, o supile fa a rema ditlhare ka kelelelo a sa reme golo go le gongwe ka a itse fa puso e kgala go remakiwa ga ditlhare mo go senang kelelelo. A re kgwetlho e nngwe ke go bo bangwe batho ba batla go reka dithoto tsa gagwe ka madi a a kwa tlase. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Therisanyo ke konokono - Molebatsi Mopalamente wa Mmadinare Rre Molebatsi Molebatsi o supile fa go tsweng bogologolo lefatshe la Botswana le agetswe mo motheong wa therisanyo le setshaba. Rre Molebatsi o supile fa se se sa tshwanela go fetoga, ka jalo baeteledipele ba tshwanetse go lekodisana le morafe go isa lefatshe kwa pele. O buile jaana fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Sefhophe ka Labobedi. Rre Molebatsi o ne a supa fa e ne ya re pele ga phuthego a kopana le magosi, boeteledipele jwa maphata le komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa go neng ga bonala fa ba itlamile go tshwaragana le ene go tlhabolola Sefhophe. O ne a tlhalosa fa madi a puso e a neelang dikgaolo a le mantsi mo morafe wa Sefhophe o ka itirelang ditlhabololo tse di ka ba direlang madi. Rre Molebatsi o ne a supa fa a itse ka letlhoko la kgaolo ya Mmadinare, a supa fa a setse a ikopantse le ba ba maleba jaaka tona wa tsa botsogo mabapi le tlhaelo ya bongaka. O ne a supa fa palo ya batho e le yone e e tlaa dirang gore go sekasekwe gore a go ka godisiwa ditlamelo di tshwana le kokelo le tse dingwe. Fa a akgela, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Tlamelo Kootsene, o ne a tlhalosa fa ba itlamile go bereka le boeteledipele jwa motse go tlhabolola motse wa bone. Rre Kootsene a re e le komiti ya ditlhabololo ba itlamile go tlhabolola matlo a boroko gore a nne mo seemong sa segompieno go ka kgotsofatsa ba ba tlaa bong ba a dirisa. A re ba na le toro ya go aga matlwana a boitiketsoa a duelelwang le marekisetso go itirela letseno. A re sebe ss phiri ke letlhoko la lefatshe ka ba ne ba ikopanya le ba kabo ditsha kwa ba neng ba bolelelwa fa go sena lefatshe le ba ka agang mo go lone. Rre Kootsene a re seo ga se a ba kgoba marapo mme ba tlaa tswelela ba bona gore ba ka dira jang gore ba diragatsa ditoro tsa bone. Fa ba akgwa mopalamente kgaba mongwe wa batsena phuthego, Mme Elizabeth Kedikilwe o supile fa morafe wa Sefhophe o sa kgotsofalele ditlhabololo tse di agwang ka madi ao. Mme Kedikilwe o supile fa dikago dingwe di setse e le matlotla ka di tlogetswe di sa fela ka mabaka a gore gatwe madi a tlhaetse mme ka tebo ya matlho kago eo e ka seke e lope madi a a akantsweng. O ne a kopa mopalamente le mokhanselara go emela dikgang tsa go nna jalo ka dinao ka go lebega dilo dingwe di sa dirwe sentle. Mme Kedikilwe o ne a supa ba ba neetsweng didirisiwa tsa nyeletso lehuma ka monwana a re ga ba di tlhokomele ka dingwe tsa tsone di setse di seyo. A re ba tshwanetse go tsaya mananeo ao ka tlhoafalo ka go dirisiwa madi a mantsi a e leng makgetho a Batswana. Fa a leboga, mokhanselara wa Sefhophe e bile e le modulasetilo wa khansele-potlana ya Bobirwa Rre Christopher Motsholapheko o ne a solofetsa morafe fa ene le mopalamente ba tlaa bereka mmogo go bona gore ditlamelo di goroga kwa bathong. politics 7 Pina ya setshaba e tshwanetse go tlotlwa Mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng Bophirima, Rre Ngaka Ngaka o kopile gore pina ya setshaba e tlotlwe ka e na le bokao jo bo rileng ka lefatshe leno. Mopalamente Ngaka o ne a dira kopo e mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa Tshwaane mo kgaolong ya gagwe ya botlhophi, fa a ne a etetse kgaolo eo bosheng. O ne a buisiwa se ka a ne a lemogile gore batho bangwe ba opela pina e ka go latlhelela le go tlhoka kelelelo mo diphuthegong tsa kgotla. A re pina ya setshaba e tshotse go le gontsi mo go rayang lefatshe leno mmogo le beng ba lone, mme e tshwanetse ya tsewa ka tlhoafalo, ya opelwa ka matsetseleko go tsentswe marapo mo dinameng ke mongwe le mongwe go supa boleng jwa yone. Mopalamente Ngaka a re ke matshwanedi gore Motswana mongwe le mongwe mo lefatsheng leno a itse ka fa pina ya setshaba e opelwang ka teng, le go e fa tlotlo. A re lefatshe leno le sa ntse le iketlile e bile le sa ntse le akola thokgamo, le ipela ka di tsa lone; fela seo se tshwanetse sa bontshiwa ke boipelo jo go opelwang pina ya setshaba ka jone mmogo le ka fa go bitswang mafoko a yone ka tlhoafalo ka teng. Rre Ngaka o ne gape a itsise batsena phuthego eo fa e le tshwanelo ya bone e le baeteledipele go nna ba tsaya maeto go etela morafe kwa metseng go utlwa matshwenyego a morafe ka dinako tsotlhe, seo e le gone go diragatsa se letshego la puso ya batho ka batho le se kayang. A re seo se maleba ka gape se rotloetsa le yone therisanyo le tshwaragano magareng ga morafe le boeteledipele, a tlatsa ka go supa fa le one morafe o na le tshwanelo ya gore o bue letlhoko la one nako le nako mme e bile ba reediwe ka botlalo. O boletse fa ba tshwanetse go reediwa e le setshaba mo dikopong tsa bone; madi a le teng kana a seyo; itsholelo e phophoma le fa e phutlhame, mme ba bo ba arabiwe go ya kafa seemo se ntseng ka teng. Fa ba tswa la bone, banni ba Tshwaane ba ne ba dumelana le mopalamente wa bone ka bongwefela jwa pelo ba kaya fa se a se buang e le nnete mme e bile go le maleba gore ba tlotle pina ya setshaba. Fela ba ne ba lela ka go tlhoka go etelwa ke bodiredi jwa puso mo motseng wa bone ba bolela fa ba nna ba bona bodiredi fela ka dinako tsa fa go tla mongwe wa bagolwane, ba bolela fa kgang eo e ba ngongorisa ka motse wa bone o saletse morago mo ditlhabololong mme gongwe se se bakwa segolo bogolo ke go itlhokomolosiwa ke bodiredi jo e leng jone bokaedi jwa bone. Fa a tsiboga, mopalamente Ngaka o ne a re le ene o tshwenyegile fela jaaka bone mo a setseng a kile a kopana le jone bodiredi go bo kopa go itshekatsheka ka tsone dikgang tse di ntseng jaana mmogo le gone go ba lemotsha bomosola jwa go etela morafe. Bokhutlo politics 7 Ba Qangwa ba batla koloi Banni ba Qangwa ba gwetlhile lephata la botsogo go neela kokelwana ya bone koloi gore e kgone go thusa balwetse. E rile ba bua mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Taolo Habano, ba re mo nakong eno kokelwana ya bone ga e na koloi fa ese go adima fela kwa kokelong ya Gumare ka nako tsa tshoganetso; sekgala sa dikhilomithara tse di fetang lekgolo le masome a matlhano. Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Kutakohungu Korujezu, yo oneng a bua mo boemong jwa morafe, a re fa go na le balwetse ba tshoganetso, badiri ba kokelwana eo ke gone ba tshwarang ba kokelo ya Gumare go adima koloi mme go beye balwetse ka fa mosing. A re ere ka motse wa bone e le mongwe wa e e kgakala le ditlamelo, o tshwanetse go fiwa thuso ya potlako, jaaka go neelwa koloi, go emisetsa ya bone e saleng e sule, gore go thusiwe balwetse. Rre Korujezu a re ka ntata ya letlhoko la koloi, baoki ga ba kgone go ya go lekola balwetse ba metsana e e mo tikologong ya Qangwa, go akarediwa Dobe, Baate, Qhooshe, le Xhubi, go ba isetsa ditlamelo, mme boemong jwa seo, balwetse ba ba patelesega go tsamaya sekgala se se leele go latela ba bongaka, fa balwetse ba ba sa kgoneng ba felela ba itlhoboga. Mothusa modulasetilo gape o ngongoregetse boseyong jwa sefetlha motlakase kwa kokelwaneng ya bone se se saleng se sule ngwaga tse di fetileng, seemo se se pateletsang gore bomme ba ba itsholofetseng fa ba le mo ditlhabing bogolo jang mo bosigong ba kopelwe koloi kwa Gumare go ya go belegela teng ka go sena motlakase. A re seemo seo se a tshwenya ka gore se ba tsenya mo diphatseng tsa go tsamaya loeto lo lo leele go latela motlakase kwa Gumare, ntlheng e nngwe ba le mo ditlhabing le gone go tsenya baoki le mokgweetsi mo pitlaganong ya go tsamaya kgapetsa-kgapetsa ba isa balwetse le baimana kwa Gumare. Banni ba bile ba ngongoregela seemo se se maswe sa tsela ya Qangwa/Nokaneng, se se ba boletseng fa se baka dintsho tsa batho le tshenyo e kgolo mo dikoloing tsa bone. Banni bao ba ba neng ba jele magala, ba tlhalositse gore le fa puso e ntsheditse tsela eo madi gore e baakanngwe, ga go sepe se se dirwang ka gore kompone e e filweng tiro ya go e baakanya go lebega e paletswe, ka e tshela mmu wa seolo mo tseleng go nale go tshela lekgwarapana. Mongwe wa dibui, Rre Elias Ketjimambo, yo gape eneng ele mokhanselara wa Qangwa wa pele, o supile ka monwana bodirela puso jo bo filweng marapo a go baya leitlho tiro ya go agiwa ga tsela eo gore ba kgone go fa bogakolodi jo bo rileng fa go tlhokafalang teng. “Ke sale ke gakolotse bodiredi ke sa ntse ke le mokhanselara wa kgaolo, go tsaya lekgwarapana kwa ntle ga kgaolo ya Nhabe ka gore mo gae ga gona mmu o o siametseng kago ya ditsela mme ga seka ga tsewa tsia bogakolodi jwa me go fitlhelela ke tswa mo setilolng, mme jaanong bonang gore P3.6 Million yo o ntshitsweng ke puso go baakanya tsela eo ke mokang a wetse mo motlhobodikeng,” ga bua jalo Rre Ketjimambo. Rre Isaiah Tobego a re ka ntata ya bomaswe jwa tsela, motse wa bone ga o tlhabologe ka boradikgwebo ba tshaba go tla go bula dikgwebo mo motsaneng wa bone fa bangwe ba ba kgonneng ba ba rekisetsa ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo. Banni ba ne gape ba kopa gore go okediwe palo ya badiri ba lenaneo la Ipelegeng, ba metsana ya Qhooshe, Baate, Xhubi, Magopa, le Lebala go tswa mo go lesome le bongwe go ya go masome a mabedi le bobedi, gore bontsi bo kgone go oba letsogo ka go sena ditiro, fa ese go ikaega fela ka lenaneo leo go inamola mo lehumeng. Banni ba bile gape ba ngongoregela badiri ba lephata la diphologolo ka go diegela go tla go ba thusa fa leruo la bone le bolailwe ke diphologolo tsa naga kana masimo a bone a amilwe ke diphologolo tseo. Ba kgwetse botlhoko boradikoloi tsa megobagoba ba baneng ba ba pegela dikgomo go di isa kwa matlhabelong a BMC, ba re ba ne ba ba lopa P750.00 tlhogo ya kgomo ka seipato sa gore tsela ya bone e maswe. BOKHUTLO health 6 Banni ba tlaa tlhopha leina la motse "Dintwa tsa semorafe di dirile gore motse mongwe mo kgaolong ya Tswapong o tlhoke leina. Motse o tlhokile leina morago ga gore kgotla tshekelo e tlhalose fa motse oo jaanong ele motse fela, mme ya ntsha taelo ya gore go tshwarwe ditlhopho ke makgamu a a lwang go tla ka leina le le tlaa supiwang ke bontsi ka tsamsio ya puso ya batho ka batho ya ditlhopho. Go dumalanwe go re ditlhopho tseodi tsamaisiwe ke ba ofisi ya ga molaodi, ka kgololesego e bile di direlwe mo pepeneneng, ga bo ga dumelanwa gore dinne ka Phukwi ale masome a mabedi le bosupa mo kgotleng go setswe morago tshwetso e e tserweng ke kgotlakgolo ya gore go tlhophiwe leina la motse, morago ga gore morafe o palelwe ke gotla ka tharabololo ya kgang e. Se setla jaana morago ga gore ere ka dingwaga tse di kwa morago tsa bo 1990’s, dikgotla tse nne tsa Motoposane, Raphiri, Matolwane le Lesenepola diikopangwe go nna motse ole mongwe, go kopaneng ga bone ba seka ba dumelana ka gore motse o bidiwe mang, bangwe bare motse ke Matolwane fa bangwe ba ne ba re Lesanapole seo sa tlisa kgothang fa gare ga morafe wa tswapong. Dikgang di ne tsa felela ditsere phekelo e sele, tsa bo tsa tsena kwa dikgotla tshekelo go lwela leina la motse fela. Mo dikgotleng tsa teng tse nne tseo go tlhalositswe fa dikgosi tsa teng di lekana ka maemo, mme tse tharo e bong Matolwane, Raphiri le Motosane dile seopo sengwe fa ya Lesenepola yone e ikemetse ka bonosi. Mo mafokong a gagwe mo boemong ja puso, tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slamber Tsogwane, o ne a rola kgang a re, ""ke tla jaana ke fitlhela dikgang tse dile dikgologolo, mme ke tsile gore a re dumelanang ka mogopolo lona boo babedi gore le tle ka tumelano le tharabololo ya kgang e, ke lemoga ebile ke tlhaloganya gore kgotla kgolo ya ditsheko e laotse gore leina le batliwe ka motlhala wa tlhopho, mme bontsi ke jone jo batlaa supang gore bowela kae."" Rre Tsogwane one are “merogolwane e kgwanwe ke go lela e lebane” ebile mo lefatsheng leno re dumela thata mo go tweng ntwa kgolo ke ya molomo, are kana kgotla tshekelo ga e ya tshwanela go bantsha mo sethong, kutlwano le go agolola ledula le lentla la bone ele morafe, ka ebile badumela gore ke bana ba motho ga gothona goka rarabolola dikgang tseo kwa ntle ga godigatsa taelo ya lekgotla la ditsheko. Tona Tsogwane one are gape baka itlhophela gore bone ba bona baka sala tsela efe morago, a ekanna ya tumelano ya bontsi e e welang mo pusong ya batho ka batho, kana ya go ithontsha ditshwanelo kago nna seopo sengwe mo tumelanong e e etlaa ntshiwang are moo gotlhe go mo maruding a bone ele morafe. Tona one gape a supa fa ane a amogela makgamu oo mabedi ka dikgang tsa leina, tse dineng di supa fa erile ka 2006 kgang ya bo entse e sa dumelwanwe ke bobedi joo. Ene yare a wetsa kgang ya gagwe Rre Tsogwane a kopa baemedi ba makgamu a mabedi gotswa la bone ka kgang ya leina le tharabololo e e ka baisa golo gongwe go wetsa kgang. Gone ga ema Mme Mary Pipedi, a emetse ba Lesenapole, a re a go direlwe dilo mo pontsheng, go setswe morago therisano le tsamaiso ya puso ya batho ka batho, go sa tsewe letlhakori lepe, are morafe o eletsa go bona kgang e e weditswe. One are kgang e etswa kgakala e boiwa mme esa wele, bangwe ebile ba fudugetse kwa metsing e sele ele fa kgang e gatang teng gore banne le kagiso mo moweng, are ele morafe banyoretswe kagiso, are ga gona kwa bone baka yang teng ka Setswana sere “legoo ramotho le thebe phatshwa”, mme are bathoka gonna le leina le letlhomameong la motse oo. Fa yo oneng a ametse ba Matolwane Rre Jobe Sepako ene ane are bone baeletse go gololela ba Lesanapole leina la bone, le gore baye go tshwra ditlhopho tseo kwa kgotleng ya bone ya Lesanapole, fa bone ele ba dikgotlana tse tharo batlaa sala ele Matolwane. Mo dikakgelong ka morafe bane bare fa ngwana a lelela legodi o a leneelwe, mme bangwe bare ba dumelana le gore a ba Lesenapole ba gololelwe leina la motse, fa bangwe bane ba re a godiragadiwe tswetso ya kgotla tshekelo, fa bangwe bane bare ba bareng goiwe ditlhophong ba buwa jalo ka baitse fa palo ya bone ele ntsi baya go ba fenya. Ene yare a akgela Rre Tsogwane are a kgang e buiwe go supiwe bogodi, tlotlo le seriti, are a leina le seka la phatalatsa morafe, o o kayang fa ele batho bale bangwe, one afa sekai ka kgaolo ya gagwe are kwa Rakops/Tsienyane ke maina a a dirisiwang otlhe ka tlotlo le lerato ebile ga gona ope modumo mo go one, le bone fela jalo baka dumelana gore a maina ao a dirisiwe otlhe. Fo a wetsa kgang one are bapaletswe ke go dumelana ka jalo batlaa sala morago tshwetso ya kgotla kgolo gore e diragadiwe, mme a supa fa leina le letlaa fenya ka letsatsi la dithopho e ya gonna lone le motse otlaa bidiwang ka lone gammogo le kgotla. One are batshwanetse go lemoga fa bokopano ja metse eo ele jone bodirileng gore ditlhabololo dinne teng ka dine di dirwa golebilwe palo ya bone bakopane, mme a bakopa go dirasana fela jaaka golebega bantse ba dirisana ele bana ba motho. Fa a a fa malebogo, modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye Rre Lesedi Phuthego one are puso ya batho ka batho e tsena gone fa. ka go buiwa dikgang ka kgololesego, kagiso, lerato, tshwaragano le tlotlano are se ke one morero wa puso le morafe goitsheka tsheka le go lemoga fa bana le tswanelo le serodumo sa setho. Rre Phuthego one are ere ntswa basa welana katumelano ya leina seo ga se reye gore gonne le kilano, kgotlhang le letlhoo, ka tseo tsotlhe disa jewe boswa, are kwa phelelo ba tshwanetse baitemoga fa ele Batswana ebile ele morafe ole mongwe ele bana bakgothu ya morula ole mongwe. One a itebaganye le banana ae tswang mo dikganyeng tsa bagolo,mme le dirisi ditlhaloganya tse di santseng dile metsi go akanya ka bofefo go lebelela ditla morago tse dika lekokonelang mo isago, kana tsa kgoreletsa tswelelepele ya motse wa bone, are go kgang ga go jewe boswa. Mme are lefatshe leno ke la kagiso, mme ke bone baka senyakang seriti sa yone kana ba e aga. BOKHUTLO" politics 7 Tokafatso maduo e botlhokwa Mothusa tona wa lephata la temo-thuo, Rre Oreeditse Molebatsi o kopile badiri ba lephata leo ba kgaolo ya Borwa go tokafatsa maduo a bone mo tirong. Rre Molebatsi a re Batswana ka kakaretso ba sa ntse ba sa kgotsofalele boleng jwa ditirelo tse ba di fiwang ke lephata la gagwe mme a re ke nako ya gore badiri ba itshekatsheke ka bongwe ka bongwe, go bona gore ba ka tokafatsa maduo jang. Rre Molebatsi a re ba amogela dipego tsa bakenti ba ba a neng ba solofetsa barui gore ba tlaa ba etela ba ya go ba jesetsa dikgomo Omang kgotsa thuso epe fela mme ba tlhoke go dira jalo, e re morago ba ipate ka letlhoko la dikoloi. A re balemi barui ba batla maduo e seng maipato. Rre Molebatsi a re modiri yoo dirang tiro ka botlalo o botlhokwa mme yo o boitseme mo tirong o botlhabetsi mo setshabeng ka jaana o a bo a filwe boikarabelo jwa tiro e a sa e direng mme a e duelelwa. A re go maswabi gore batho ba bo ba sa ntse ba ikwadisetsa go bereka mo Ipelegeng ntswa puso e thapile bomaitseanape ba temo-thuo, e bile e dirile mananeo a ba ka bong ba a dirisa go fetola matshelo a bone le go inamola lehuma. A re go tshabela kwa Ipelegeng go ka tswa go bakwa ke gore badiri bangwe ba lephata la temo-thuo ba sa ntse ba thubile kobo segole. O gwetlhile badiri bao go nna le seabe se e tlaa reng mo isagong ba ipele ka sone. Mothusa tona o ne a kopa badiri bao go ikgapha mo tshenyetsong setshaba, segolo jang ba theko le thekiso ya dithoto. Badiri ba ne ba ngongorega ka letlhoko la dikoloi ba supa fa le ba paledisa go dira tiro ya bone ka botlalo. Mo go tse dingwe, Rre Molebatsi a re puso e okeditse madi a balemi go tswa mo go P400 go ya kwa go P800 ka ekere, a re madi ao a ka oketsegela kwa go P 1160.00 go balelwa go ega. A re go oketsa madi ao e ne e le go araba selelo sa boraditerekere sa gore a ne a le kwa tlase mo go neng go ba ketefaletsa go lemela batho ka lenaneo la puso. Mme fela o tlhalositse fa madi ao a tlaa bonwa ke yo o lemileng a bo a jala fela. A re bangwe ba ne ba aja puso ntsoma, ba lemolola lefatshe fela ba sa jale ba gabile gore ba tlaa duelwa e seng gore ba itirele dijo. Mogokaganya ditirelo tsa lephata leo, Mme Gaokgakala Rammidi, o ne a supa gore ba na le dikoloi di le lekgolo le metso e some mme di le masome matlhano le bobedi di tlhoka go baakanngwa. Badiri ba kwa polasing ya Sunnyside, gaufi le Lobatse, ba ne ba ikuela ka matlo a Asbestos a ba nnang gaufi le one, ba ntsha poifo ya gore go ka nna le ditlamorago tse di botlhoko mo botsogong jwa bone, mme ba kopa gore puso e ba agele bonno jo bo sireletsegileng. Ba ne ba ikuela ka letlhoko la diaparo tsa itshireletso mo tirong, tse ba tlhalositseng fa di goroga morago ga lobaka, selo se ba reng se ka nna diphatsa mo botsogong jwa bone. BOKHUTLO society 9 Popagano ya boloko kononkono Mothusa tona mo ofising ya ga tautona, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri o gwetlhile baeteledipele ba dikereke go lwela tshwaragano ya boloko jwa dikereke ka maiteko a go fokotsa go runya ga tsone. E rile a ntsha lefoko la kgakololo kwa pulo semmusong ya kereke ya Apostolic Faith Church kwa Magokotsane mo Molepolole, mothusa tona a supa fa tshwaragano ya boeteledipele e ka thusa go bona kwa modi wa bothata jwa se se bakang makgamu a dikereke o tswang teng le gone go batla maano a ka fa go ka lwantshiwang seemo se ka teng. A re o lemoga fa seemo sa kgolo ya dikereke se bakiwa ke makgamu a tsweletseng ka go runya, ka jalo se se gwetlha boikarabelo jwa lekgotla le tshwana la baruti go thulanya ditlhogo ka maikaelelo a go tswa ka tharabololo. O tsweletse a re puso e tshwenngwa thata ke seemo seo ka jaanong batho ba tswa mo dikerekeng go ikemela go na le go kgatlhegela go tsena mo go tse di teng, ntlha e tlhobaetsang gore a gongwe maikaelelo ese go fapoga moono wa se tota kereke e tshwanetseng go nna sone. Mothusa tona o gwetlhile boeteledipele jwa dikereke go ema ka dinao go tswa ka maano a ka fa bothata joo bo ka fenngwang ka teng gore dikereke di kgone go fitlhelela moono wa go bopa setshaba se se tshwaraganeng. O iteetse legofi maitlamo a a tsepameng a kereke ya Apostolic Faith Church a go aga kago ya go obama , a re seo se supa maitlamo ka se kereke e ikaelelang go se fitlhelela ka go nna le kago kgatlhanong le thulaganyo ya dikereke dingwe tse di obamelang ka fa tlase ga ditlhare. Le fa go ntse jalo, Rre Matlhabaphiri a re go nna teng ga dikereke ke selo se se amogelesegang fela fa thulaganyo e dirilwe ka fa tshwanelong ka jaana di na le seabe se segolo mo go ageng setshaba. Mothusa tona o abetse ba Apostolic Faith Church P3000 go ba thusa go wetsa bontlha bongwe jwa dikago tsa kereke eo. Mo mafokong a kamogelo, kgosi kgolo ya Bakwena Kgosi Kgari Sechele111 o lebogetse maiteko a dikereke a tshwana le ya AFC a bolela fa di ka thusa go nna le seabe mo go femeng kgolo ya botlhoka tsebe jwa banana ka gongwe palo e rileng e ka iphitlhela e sokologetse mo tseleng ya Modimo gore mewa ya bone e bolokesege. Kereke eo e agilwe ka madi a fetang P500 000 e butswe semmuso ke moeteledipele wa pele wa diphuthego tsa Apostolic Faith Church mo Botswana , Reverend Osias Kalundu yo a gateletseng botlhokwa ja go bona kereke e gatetse pele ka go godisa boloko le go diragatsa maitlamo a kago eo. Mookamedi wa diphuthego tseo mo Botswana Reverend Petros Ntonda o iteetse kobo moroko mafoko a ga Rre Matlhabaphiri ka go supa fa tshwaragano mo dikerekeng ele konokono ka jaana e ka bopa le go supa tlhoafalo mo maitekong a dikereke go agela tshaba ya lefatshe leno mo tshiamong go na le go faposiwa ke dintwa tsa boeteledipele. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Matlo go sha mabapi Mongwe wa bagwebi mo Molepolole, Rre Olebile Regoeng a re go botlhokwa go lemoga le go thusa bangwe ka rona ba ba wetsweng ke seru gore ba boelwe ke seriti sa bone.O buile se ka Labotlhano ko kgotleng ya Mankgwenyane, fa a ne a abela Mme Sekholanyana Pote dimpho di akaretsa ditena tsa kago, dikobo le dijo morago ga gore ntlo ya gagwe e jewe ke molelo. Rre Regoeng a re le fa ntswa go le botlhoko mo go yo o latlhegetsweng le botlhe ba ba amegang, fela o lebogela gore tiragalo eo ga e a gapa botshelo jwa motho ope fela yo o ka bong a ne a le mo ntlung eo ka nako ya tiragalo mme a tlatsa ka gore dithoto di ka rekiwa mme botshelo jwa motho ga bo kake jwa rekiwa. E ne ya re a tswa la gagwe, Mme Pote a bolela fa e rile mo letsatsing la Labotlhano beke e e fetileng kgwedi eno, ntlo ya gagwe ya jewa ke molelo o le gompieno ba sa itseng gore o ne o bakilwe ke eng. A re gone go sena ope mo ntlung fa tiragalo eo e diragala ka jalo go sena ope yo o boneng dikgobalo fa e se fela gore dithoto tsotlhe tsa gagwe le tsa bana ba gagwe ba bararo tsone di ne tsa a sha tsa ba tsa lora. Mme Pote o ne a amogela dimpho tseo ka matsogo oo mabedi a supa fa a e bile a ne a sa di solofela. O ne a supa fa a itumetse thata mme segolo bogolo a lebogela mokgosi o batho ba mo duleng one. A re se, se kaya fa tota a tshela le batho ba ba kgathalang mme le ene a tlaa sala se morago.O lebogetse thata maiteko a mokhanselara wa kgaolo eo, Rre Molemisi Motsewabathata yo a kaileng fa a sale a itshwaragantse le enefa esale tiragalo e e diragala. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya kgaolo ya Mankgwenyane, Mme Bonkemetse Radipuonyana dione a re thuso ya mofuta o, e supa fa tota Batswana ba sa lebala puo ya motsoga pele e e reng “matlo go sha mabapi”. society 9 Koporase ya Otse e tshwere ka thata E re ka go rotloediwa dikgwebo tsa dikoporase go tlhama mebereko go imolola puso morwalo, bangwe Batswana ba utlule mokgosi, mme ba ititaya sehuba go supa fa dikoporase di ka nowa moro. Mo loetong kwa Otse mo kgaolong ya Legare bosheng, BOPA ene ya buisanya le mogolwane wa koporase ya Mmogo Re Ka Dira, Mme Motshegetsi Maakelo yo o tlhalositseng fa koporase ya bone e butse lebentlele le le rekisang dijo le didirisiwa ka go farologana. O ne a tlhalosa fa koporase e na le maloko a le lesome le botlhano, bomme ba le lesome le boraro le borre ba le babedi. Mme Maakelo a re ba simolotse go kopanela mogopolo ka 2013, mme ba kgona go dira setlankana, a tlhalosa fa ba ne ba tswa le ka megopolo e e farologanyeng ya go kokoanya madi, mme ba simolola go koleka P50 leloko. A re ba ne ba sekaseka kgwebo e e ka nnang bogadi bo gaufi mo motseng, mme ba tsaya tshwetso ya go simolola ka lebentlele la dijo. O ne a tlhalosa fa e rile ngogola ka Ngwanatsele, lekalana la CEDA la ba thusa ka P227 870 go simolola lebentlele, mme ya re monongwaga Mopitlo a ya fifing ba simolola kgwebo. Mme Maakelo a re batho ba Otse le metse e e mabapi jaaka Lephepe ba ba amogetse ka oo-mabedi, ka ba reka mo lebentleleng la bone, selo se a reng se ba tiisa moko. O ne a supa fa koporase ya bone e le ya ntlha go bona dithuso tsa madi go tswa kwa CEDA, a tlatsa ka go re e ne ya re ka Phukwi ba simolola go nna ba ntsha bontlha bongwe go duela sekoloto sa bone. A re koporase e tlhoka bopelotelele le maitlamo mo go tsweleleng ka jalo go botlhokwa gore maloko otlhe a bo a itlamile go emelelana le dikgwetlho. O boletse fa popagano le go dira mmogo go le botlhokwa mo koporaseng, a tlatsa ka go re jaaka kgwebo nngwe le nngwe, koporase e ka godisiwa ke tsamaiso e e nitameng e sena dibelebejene. Mme Maakelo a re ba thusiwa ke ofisi ya bogakolodi kwa Mahalapye go rarabolola dikgang tsa bone, ga mmogo le ka boitseanape jwa go tsamaisa kgwebo. O supile fa mo nakong eno, maloko otlhe a dira e le baithaopi, ka lemmenyana le ba le bonang e santse e le la go reka molora ka maikaelelo a bone a magolo e le go busa madi a CEDA. Fa a bua ka dikgwetlho tse di ba lebaneng, Mme Maakelo o ntshitse selelo sa go thubelwa, a kaya fa lebentlele le setse le thubilwe makgetho a le mabedi fa e sa le ka Phatwe. O supile fa lantlha magodu a ne a thuntsha mabolokelo, mme P24 000 a senyega ka a ne a tshelegelwa ke pente. Mme Maakelo o kaile fa magodu a ne a tsaya dikukisi, motsoko le dikhondomo. A re mo kgweding eno, mangwe magodu a ne a tshwarwa a leka go utswa, a supa fa ba ne ba kgaotse terata ya lebentlele kwa morago. O ne a supa gape fa ba tlhoka kemo-nokeng ya khansele ya legare mo go phakiseng dijo tsa batlhoki, a re seo se ka thusa go godisa kgwebo ya bone. A re maikaelelo a bone ke go atolosa kgwebo ka go dira tse dingwe tse di ka direlang koporase madi. ENDS politics 7 Bakgweetsi ba dikoloi tsa setshaba ba tlhagisiwa go baakanya dikoloi Mogolwane wa mapodisi a pharakano kwa Tutume,, Inspector Amos Kurusa o kopile boradipagamo tsa setshaba ba Tutume go baakanya dikoloi tsa bone nako tsotlhe gore di nne mo seeemong se se letelesegang ka fa molaong. Inspector Kurusa o boletse seo kwa bokopanong jwa bone le bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba kwa Tutume ka Laboraro gore ba tshwanetse ba tlhaloganya gore ke bone ba rweleng matshelo a batho, ka jalo dikoloi tse ba di dirisang di itshwanetse go nna di itekanetse. A re ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe wa bone go bona gore maotwana le yone koloi ka bo yone e siametse go dirisiwa mme bangwe mo go bone ba tsamaya ka dikoloi tse di fedileng dithaere gape bangwe ba tsentse dithaere tse di senang boleng, selo se a kaileng se baya matshelo a batho mo diphatseng. O ne a supa fa bangwe ba theogela ba nole bojalwa kana ditagi,a re seo ke molato o motho a amogwang teseletso ya go kgweetsa. O gateletse gore mapodisi a pharakamo maikaelelo a bone ga se gore ba nne setlhogo mo bathong mme ba batla batho ba ba obamela molao. Inspector Kurusa o ne a ba sedimosetsa ka dikotlhao tse ba di lopiwang fa ba tlodile melwana mengwe ya tsa dipalomo tsa setshaba, ka jalo a ba kopa go nna le boikarabelo jwa go babalela matshelo a batho. O ne a ba kgalemelela mokgwa o bangwe badirise ba dikoloi tseo ba reng ba fitlhela mongwe a pegile batho a ne a sa tshwanela go ba pega bogolo jang tse di ya Francistown, ba ba thibele ka dikoloi tsa bone go tswa ba re ba ba tsetse batho. A re seo ke molato ka ba abo ba baya bapagami mo diphatseng,a bo a ba kopa go nna ba begela mapodisi fa go na le bangwe ba ba tlolang molao go na le go itseela ditshwetso tse di seng ka fa molaong. Mogolwane kwa lephateng la dipagamo le ipabalelo tseleng a okametse tlhatlhobo ya dikoloi, Rre Emmanuel Matshaba o kopile boradipalamo ba diokomelabagwe tsa bone di takilweng ka ntshogo ntsha bontsho joo ka ponyo ya leitlho. Rre Matshaba a re ka mokgwa le molao dikoloi tse di rwalang setshaba di tshwanetse go tsenngwa difensetere tse di phatsimang, a supa fa go lebega ba ikgatolositse seo ka ba bolelelwa nako tsotlhe. A re gape dikoloi tsa bone di tshwanetse go bonala ka dinomoro tse ditala nako le nako gongwe le gongwe e seng go di tsenya fa ba le mo lefelong le ba theogelelang mo go lone fela. A re gape koloi eo ya taxi ga e letlelelwe go pega mo mafelong a e sa letlelelwang go ya ka teseletso ya yone, a tlhagisa ba ba ntseng ba dira jalo go emisa go dira jalo a re molao o tlhalosa gore yo o tshwarwang a dira jalo o gapelwa koloi. Fa ba akgela, boradipalamo ba boletse fa ba sa jesiwe di welang ke dikoloi tsa setshaba tse di tsamayang mesepele e metelele di feta ka Tutume go ya Francistown, ba re di retologa mo Tutume ba bo ba boela morago ba ba tseela batho. Mongwe wa bakgweetsi bao, Rre Tshephang Mangena, a re dikoloi tse di ba baya ka fa mosing ka ba pega batho ba ka tshwanelo ba ka bong ba pegwa ke bone. Rre Morris Tshwenyego ene o boletse fa tsela e e yang Mosetse e tswa kwa Magapatona e sena maemelo a dibese mme fa bone ba ema mo tseleng eo go pega batho kana go folosa ba fiwa kotlhao e e gagametseng. Rre Tshwenyego a re gape tsela eo e epegile ga ba kgone go ema sentle ka fa tlhoko ga yone ka e senya dithaere tsa dikoloi. A re kgang ya teng e ba tshwentse ka ke mosepele o motelele go tswa mo kgotleng e nngwe go ya kwa go e nngwe go sena maemelo a dikoloi mme bapagami ba le gongwe le gongwe. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Komiti ya Boikago e akgoletswe go neela Modulasetilo wa dikomiti tsa ditlhabololo kwa Palapye, Rre Reoletile Mmika, o akgoletse komiti ya ditlhabololo tsa kgotla ya Boikago kwa Palapye go nna le mowa wa kutlwelo botlhoko. O buile seo bosheng fa komiti ya Boikago e ne e abela boorra Dikhutsafalo ntlwana ya boitiketso. A re seo, ke go supa boikarabelo e bile mowa oo, o tshwanetse go galalediwa. Go ya ka moemedi wa komiti eo, Rre Moitela Boiditswe, go aba ntlwana eo ke nngwe ya maiteko a go supa mowa wa tirisanyo mmogo, lerato le mautlwelo botlhoko mo go ba ba tlhokileng lesego. O boletse gore komiti ya bone e tlaa tswelela e thusa mongwe le mongwe yo e bonang go tshwanetse gore a thusiwe ka tshwaragano le morafe, se e le go diragatsa nngwe ya dipilara tsa tebelopele ya 2036. Yo o abetsweng, Mme Obonetse Dikhutsafalo, o lebogile komiti ya ditlhabololo a tlhalosa fa ntlwana ya boitiketso e le nngwe ya dilo tsa botlhokwa tse mongwe le mongwe a tshwanetseng go nna le tsone mo botshelong. O rotloeditse komiti go tshwaragana le morafe le go tshepha Modimo gareng ga tsotlhe fa ba tsweletse le ditiro tsa bone tse di molemo tsa go thusa setshaba. society 9 Khansele ya Legare e emisitse bokopano jwa yone Khansele ya Legare e emisitse bokopano jwa yone jo bo neng bo tshwanetse go wela ka Labotlhano go fitlhelela mo nakong e e sa bolelwang. Se ke maiteko a go tsaya dikgato go thibela kanamo ya mogare wa COVID-19 o o apesitseng lefatshe kobo ka letshoba. Fa a emisa bokopano jwa khansele eo ka Mosupologo (Mopitlo 16), modulasetilo, Rre Ketshwereng Galeragwe, o ne a itsise makhanselara fa go dule taelo ya gore khansele eo ya Legare e emise bokopano jwa yone ka ponyo ya leitlho. A re le ntswa go ise go nne le ope yo o tsenweng ke mogare mono, lefatshe leno le lone le a amega. A re segajaja se, se setse se le kwa mafatsheng a a bapileng le la Botswana jaaka Aferika Borwa le Namibia ka jalo go gwetlha gore Botswana a nne malala a laotswe. O ne a itsise makhanselara fa Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a setse a buile le setshaba go se tsibosa ebile go emisitswe metsamao go ya kwa mafatsheng mangwe le dikokoano tse di nang le batho ba bantsi. Ka jalo o ne a kopa makhanselara go tswelela ka go gasa molaetsa ka bolwetse jo. O ne gape a kopa dikhansele ka go farologana go dira tse di maleba go rurifatsa gore babereki le ba ba tsileng go kopa ditirelo ba babalesegile ka go dirisa tse di bolayang megare (sanitizers) le go tlhapa diatla ka molora kgapetsakgapetsa. Rre Galeragwe a re le ntswa bokopano jwa khansele bo emisitswe, go na le di le dintsi tse di saletseng kwa morago mme e tlaa re fa seemo se sena go laolesega go bo go diriwa thulaganyo ya gore bokopano jwa khansele eo jwa tshoganetso bo tsene. A re fa seemo se ka tswelela, tse di sa fediwang di tlaa tsweledisiwa ka bokopano jwa khansele e e tlaa tsenang ka kgwedi ya Seetebosigo. Le fa go ntse jalo, khansele ya Legare e ne ya dumalana le tshutiso e e neng ya ntshiwa ke mokhanselara wa Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Tjienda, a gwetlha lephata la thuto go tswa kwa moding le la thuto e kgolwane go tswala dikole ka ntata ya seemo sa COVID-19. Rre Tjienda a re kgang e e tshwanetse e potlakelwe ka bolwetse jo bo tshelanwa ebile go tshwanelwa ke gore go tilwe go kokoana mme kwa dikoleng go kokoanwa ka dipalo tse dintsi. health 6 Ba ganeditse magatwe Maloko a phathi ya Botswana Democratic Party, BDP, Rre Tiro Seloma le Oliphant Mfa ba ba fentsweng mo ditlhophong tsa bulela ditswe ba latofaditse dipego tsa gore ba tlhanogetse phathi ya bone e bile ba eme bontlhopheng bangwe ba kganetso nokeng. Fa ba bua kwa phuthegong ya phatlalatsa ya go supa ntlhopheng wa bopalamente wa kgaolo ya Nata/Gweta, Rre Polson Majaha le makhanselara a gagwe kwa Nata bosheng, Rre Seloma o boletse fa mo ditlhophong go na le go fenya le go fenngwa, mme a re ke dilo tse a emetseng ditlhopho a ntse a di solofetse ka jalo o ka seke a tlhanogele phathi ka lebaka la gore o fentswe. O tsweletse a bolela fa ba tla a tsamaya mo kgaolong go bolelela ba ba neng ba mo setse morago go tshwaragana le maloko a mangwe go tlhopha Rre Majaha, a tlatsa ka gore batlhophi bao ga se ba ga ope ke ba phathi ya Domkrag ka jalo ba tshwanetse go thusana le yo o tlhophilweng go fenya kgaolo. Fa a otlelela mafoko a ga Rre Seloma, Rre Oliphant Mfa o boletse fa mafoko a a buiwa ele a batho ba batla go ba senya maina ka dikgang tse di senang lepele le morago. Rre Mfa o boletse gore ke leloko la motia la Domkrag ka jalo o ka seke a kgaoganngwe le phathi e a tswang kgakala le yone, a supa fa se se buiwang ele ditlontlokwane tse di batlang go thuba phathi fela. O kopile batlhophi ba kgaolo eo go tlhopha ntlhopheng oo, a gatelela gore fa ba ka raelesega ba tlhopha phathi e sele e tla a bo e le go itlhaba ka thipa mpeng fela. Fa a tswa la gagwe, Rre Majaha o supile fa a ne a na le poifo go ka kopa kemo nokeng le dikgakololo mo go bone mme ka ba tlhatswitse ketsaetsego e e ntseng e le teng ba tla tshwaragana go ngokela batlhophi mo phathing eo. Rre Majaha o ba tshepisitse fa a tla tswelela ka go emela dikeletso tsa bone le go tsweledisa ditlhabololo tsa kgaolo ka jalo a kopa maloko go tlhokomela dikarata tsa bone tsa Omang le ya ikwadiso ditlhopho gore ba kgone go latlhela tlhopho ya bone ka Phalane. Mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Daniel Kwelagobe yo e neng ele sebui sa letsatsi, o kopile batho ba kgaolo ya Nata/Gweta go tlhopha Rre Majaha mo ditlhophong tse di tlang gonne ke monana yo o ka kgonang go thusa le go tsweledisa maitlamo a phathi. A re go bo batho ba kgaolo eo ba mo ntshitse kwa khanseleng ba mo isa kwa palamenteng ba kgotsofalela tirisano mmogo ya gagwe le bone. O ile a gwetlha maloko a Domkrag go lebala ka diphathi tsa kganetso a re sa tsone ke go kgala fela, a tlatsa ka gore phathi ya BDP e na le motlhala o mang le mang a o bonang. O tsweletse a bolela fa puso e na le mananeo a tshwana la ISPAAD, Ipelegeng le la banana go leka go tokafatsa matshelo a Batswana. Rre Kwelagobe o boletse fa kgaolo ya Nata/Gweta e itsege fa e le boremelelo jwa Domkrag ka jalo a kopa batho ba kgaolo eo go ikgata motlhala go baakanya fa go senyegileng teng. politics 7 Ipelegeng e tokafatsa itsholelo ya motse Lenaneo la Ipelegeng le tsweletse ka go tswa tema mo metseng ka go farologana. Kwa Mmutlane mo kgaolo potlaneng ya Mahalapye, lenaneo leo le bolelwa ka go tokafatsa itsholelo. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Malatsi Malatsi o boletse fa dikatso tse di fiwang badiri ba Ipelegeng di dira gore madi a kgone go nna mo motseng gape a dirisediwe mo motseng go na le gore batho ba ye go tsaya madi mo metseng e e gaufi mme ba a dirisetse koo. O kaile fa banni ba motse ba kgonne go bula dimausu gore badiri ba Ipelegeng ba kgone go reka tse ba di tlhokang mo go bone mme madi a a amoganwe mo motseng go tokafatsa matshelo. O tlhalositse gape gore dikatso tsa Ipelegeng di thusa batsadi ba bana ba bone ba nnang kwa ditoropong mme ba sa ba romelele madi gore ba kgone go itshetsa. Modulasetilo o ne gape a galaletsa lenaneo la go apeela badiri ba Ipelegeng, a tlhalosa fa baapei ba kgona go ikagela matlo ka dikatso tsa go apeela badiri. Fa a bua ka ditlhabololo tse di dirilweng ka lenaneo la Ipelegeng mo motseng, Rre Malatsi o tlhalositse fa badiri ba ba thapilweng ka lenaneo la Ipelegeng ba kgonne go agelela mabitla a motse ka terata, go phepafatsa motse ka go rema ditlhare, go epa le go agelela lehuti la motse. Tse dingwe tsa ditlhabololo tse di dirilweng ka thuso ya lenaneo la Ipelegeng o boletse fa e le kago ya diofisi tsa kgotla, kago ya matlo a a hirisiwang a komiti ya ditlhabololo le go aga loobo lwa kgotla. Go sale foo, Rre Malatsi o tlhalositse fa komiti ya ditlhabololo tsa Mmutlane e kgonne go aga poso e potlana e e setseng e tsene mo tirisong mme gompieno komiti ya ditlhabololo e mo letsholong la go aga ntlwana ya go apeela borotho e ba tlaa e dirisang go kokotleletsa letlole la komiti. Modulasetilo o boletse fa dingwe tsa ditiro di tshwana le go aga diofisi tsa badirelapuso ba sa di neelwa mme ba na le tsholofelo ya gore ba tlaa di neelwa fa nako e ntse e tsamaya. economy_business_and_finance 3 Mmoulo o bogadi bogaufi Mogolwane wa kompone ya Seed Co Botswana Rre Olefile Ramaabya, a re kompone ya gagwe e dirile peo ya mmidi ya mmoulo e mmidi wa teng o tsayang dikgwedi tse pedi le sephatlo go ka rojwa. Rre Ramaabya a re kompone ya SeedCo e dirile peo e go itepatepanya le diphetogo tsa seemo sa loapi ka e ka kgona go itshwarelela mo leubeng. O tlhalositse fa phitlhelelo e e le maiteko a kompone ya bone go thusa go tokafatsa temo ya komelelo mo lefatsheng leno. O buile jaana fa a ne a simolodisa semmuso ditshupo tsa temo-thuo tsa Molepolole ka Matlhatso. Ditshupo tse di tshwerwe e le lwa ntlha morago ga dingwaga tse tharo di emisitswe. Le fa go ntse jalo, Rre Ramaabya o akgotse botlhe ba ba tsereng matsapa le go dira gore ditshupo tse di nne teng. O buile gape a rotloetsa balemi barui go sa ipona tsapa ka ditshupo di ba fa sebaka sa go abelana megopolo le dikitso tse di tlaa solegelang lefatshe molemo. Fa a tlhalosa o ne a re lefatshe leno le sa ntse le le kgakala thata go ka ijesa mme sepe se se ka dirang gore le ntshe dijo tse di ntsi se tshwanetse sa salwa morago ka tlhoafalo. Fa a tswa la gagwe Molomaganyi wa komiti ya ditshupo tsa kgaolo ya Molepolole Rre Samuel Mapitse o boletse gore e ne e se maikaelelo gore ditshupo di eme ka a re di botlhokwa thata mo balemi baruing go amogana megopolo teng. Rre Mapitse a re go tlhoka go tshwara ditshupo go ba kokonetse fela thata ka go rontshitse balemi barui ba kgaolo go ya ditshupong tse di tona tsa Gaborone. Le fa go ntse jalo, a re go tswa gompieno komiti e e tlhophilweng ga e kgaogane, e tlaa tswelela e baakanyetsa tsa ngwaga o o tlang. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Kgosi o rotloetsa tshwaragano Kgosi Dikaelo Tsiang wa Mantshwabisi mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng o kopile banni ba motse wa gagwe go dirisana le boeteledipele jwa motse ka se se ka thusa go tsisa ditlhabololo. E rile a bua mo phuthegong yakgotla e e neng e biditswe ke mokhanselara wa kgaolo eo Rre Meshack Tshenyego,Kgosi Tsiang a supa fa popagano e le botlhokwa thata mo dinakong tse di thata, O ne a kopa morafe wa gagwego nna le boikanyego gore e re ngwaga wa 2016 o tla go goroga le bone ba supesengwe sa dielo tse puso e neng e di ipeile pele. O tsweletse ka go supa famotse wa bone e le mongwe wa metse e e tumileng thata mme ka jalo a ba kopa goo dira phepa ka dinako tsotlhe go itsa go o diga seriti. E rile a mo kgwa dikgabamothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Galaletsang Tsiang,a tlhalosa fa letlhoko la ditiro mo motseng wa bone e le kgwetlho ka banana balwela go bereka Ipelegeng le bagolo ka dipalo tse di kwa godimo. O kaile fa sese ka tswa se bakilwe ke go tlhoka go dira sentle ga balemi kwa masimong. Mme Tsiang o tlhalositse faba leka bojotlhe go phepafatsa motse wa bone sebe sa phiri e le tanka e enosang motse ka e dutlletse ruri mme se se oke leruo fa gare ga motse. A releruo le ke lone le le feletsang le leswafatsa tikologo. O kopile gore puso eoketse dipalo tsa babereki ba Ipelegeng ka go ka nna botoka kgotsa go busediwelenaneo la puso le go neng go fiwa batho dijo morago ga thobo e e sa nametseng. politics 7 Balemi ba akola thobo Jaaka e le tsholofelo gore tiro nngwe le nngwe e ntshe maduo, temo e setse e simolotse go ntsha maduo a a akolwang ke balemi ka bontsi mo kgaolong ya Kweneng le Botswana ka bophara. Batswana ba amogetse dipula tse dinamagadi paka eno, mme se sa afa batho ka bontsi sebaka sa go itirela dijo. Ka jalo bangwe ba setse ba akola mefufutso ya diphatla tsa bone ka letlhafula. Mongwe wa balemi kwa Kweneng, Mme Baitiretse Moungwa ke mongwe wa ba ba setseng ba simolotse go rekisa thobo. E rile a bua mo potsolotsong, Mme Moungwa a tlhalosa fa monongwaga a solofetse go le gontsi ka jaana a lemile thata e bile dijalo tsa gagwe di godile tsotlhe ntle le makgwere ape. A re o setse a simolotse go rekisa ntshwe le magapu. O tlhalositse fa a solofetse dipoelo tse dingwe mo mmiding ka le one o tlhogile ka bontsi. O supile fa a na le tumelo e e kwa godimo ya gore ngwaga o ke o monamagadi fa o tshwantshanngwa le dingwaga tse di fetileng. E re ka ditoropo e le boremelelo jwa dikgwebo ka bontsi, kwa toropo-kgolo Gaborone le gone ntshe le magapu ke ntletsentletse mo thoko ga ditsela. Mogwebi mongwe kwa Gaborone, Rre Balopi Kebareng o supile fa a setse a rekisitse gabedi selekanyo se a tleng a se rekise dingwaga tse di fetileng. A re le fa go ntse jalo o sa ntse a solofetse go rekisa thobo e e fetang e a setseng a e rekisitse go menaganye. Rre Kebareng a re sebe sa phiri ke gore bagwebi ba bangwe ga ba tlhokomele tikologo, ka jalo toropo e setse e sa lebege ke matlakala. A re fa botlhe ba ka nna le seabe mo go phepafatseng tikologo e ba rekisetsang mo go yone kgwebo e ka tswelela ntle le sekgoreletsi sepe. Batswana lefatshe ka bophara ba tsweletse ka go lebogela Ramasedi dipula tse dinamagagdi ka e le tsone motlhodi wa thobo e. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ba gakololwa go ema maiteko a puso nokeng Batsaya karalo mo kgodisong ya ngwana ba gwetlhilwe go ema maiteko a puso nokeng ka jaana e dirile go menaganye go netefatsa gore ditshwanelo tsa bana di sireletsegile. Mogolwane wa tsa itsholelo mo khanseleng ya bokone bophirma, Mme Kgomotso Kesianye o boletse seo kwa bokopanong jwa batsaya karolo jo bo neng bo rulagantswe ke komiti ya District Child Protection go tla go neelana botsipa ka botlhokwa jwa tshwaragano mo kgodisong ya ngwana le gone go netefatsa gore ditshwanelo tsa bana ga di gatakiwe ka dinao. A re puso e segile tema e e bonalang go sireletsa ditshwanelo tsa bana go akaretsa le bana ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. A re seo se papamadiwa ke go dirwa ga mealo e e amang bana a tlatsa ka gore mo dingwageng tse di fetileng puso e ne ya bona go tshwanela go seegela fa thoko madi a a ka thusang mo ditirong tse di itebagantseng le go tlhabolola bana bogolo jang ba ba tlhokileng lesego. Mme Kesianye a re khansele le yone e na le madi a a itebgantseng le go rarabolola letlhoko la bana ba dikhutsana. O supile fa puso ka nosi e ka se kgone go rarabolola letlhoko lengwe le lengwe ka ntlha ya leshekere mme a supa botlhokwa jwa batsaya karolo go supa seabe sa bone mo go rurifatseng gore bana ba tshela botshelo jo bo nang le seriti. A re go dira mmogo ba le segongwana go ka thusa go dirisa bonnye jo ba nang le jone botoka go bona gore bo solegela bana bao molemo. O tsweletse a re go dira ka setlhopha go ka thusa gape go ntsha ditirelo tsa tlhotlhwa le gone go nonotsha mananeo a a teng a a itebagantseng le go thusa bana. Mme Felicia Nkarabang yo eleng mmaboipelego le ene o ne a supa botlhokwa jwa go sireletseng bana mo go amiweng ke mogare wa HIV/AIDS le gone go netefatsa gore bana ba ba amegileng ba sala ditaelo tsa ba bongaka morago. A re go botlhokwa gore batsadi ba itsise bana ka diemo tsa bone gore ka jaana go supagetse fa bangwe ba nna le balwetsi mo malwapeng. O tlhalositse fa ngwana a na le tshwanelo ya botsogo a tlatsa ka gore motsadi o ka tseelwa dikgato tse di maleba fa a rontsha ngwana tshwanelo eo. Mme Nkarabang a re bana ga ba na kitso e e kalo ka tsa bolwetsi jwa HIV/AIDS mme seo se ka ba baya mo diphatseng tsa go ka amiwa ke mogare. A re e re le ntswa ba gatelela botlhokwa jwa go itsise ngwana ka seemo sa gagwe sa mogare, seo ga se reye gore batsadi ba ka tswa phatlalatsa mo setshabeng ka maduo a ngwana mme a supa fa seo e nna sephiri sa ba lelwapa fela le ene ngwana. O boletse gape fa go le botlhokwa gore bana ba ba setseng ba le mo kalafing ba salwe morago ka dinako tsotlhe go netefatsa gore ba e tsaya ka nako a tlatsa ka gore bangwe ba a tlodisa ka jaana go sena ope yo o salang morago go bona gore a ba nole dipilisi. Fa ba latlhela tlhware logonnyana, batsadi ba supile fa bana ba gompieno ba goletse ganong, ba bodipa e bile ba sa amogele kgalemo. Ba re e re le ntswa go twe ba na le ditshwanelo bangwe ba setse ba di dirisa go kgerisa batsadi ba bone. Ba re mo malobeng ngwana o ne a itse gore motsadi mongwe le mongwe ke wa gagwe mme gompieno dilo di fetogile bana ba gataka batsadi ka dinao. Batsadi ba re ba dira ka natla go netefatsa gore bana ba gole ba na le boikarabelo mme sebe sa phiri ke gore bana bone ba itepatepantse le botshelo jwa senjwalenjwale jo bo ba digelang ka lemena. Ba re ba dumela fa tota moretlwa e le one fela o ka alafang botlhoka tsebe jwa bana. Batsadi ba re maranyane a gompieno le one a na le seabe mo botlhokeng tsebe jwa bana ka ba leba dilo tse di sa ageng bokamoso jwa bone. Ba re kwa dikoleng gone go ngomola pelo ka barutabana ba leka mme maiteko a bone a itaya sefololetse ka baithuti ba le bodipa. Bokhutlo society 9 Seemo sa boroko se tlaa tokafala Tona wa Ditsha le Matlo, Rre Lebonaamang Mokalake o tlhomamisitse gore puso e tsweletse ka go betla ditsela tse di ka thusang go batla madi a go tokafaletsa bodirela mmuso seemo sa boroko. E rile a buwa mo phuthegong ya kgotla kwa metseng ya Boatlaname le Shadishadi mo kgaolong ya Kweneng, Rre Mokalake a supa fa puso e ya go tlhoka madi a a ka tshwarang P90 000 go tokafaletsa badirela puso seemo sa tlhaelo ya boroko. A re maiteko a tsweletse go tokafatsa seemo sa tlhaelo ya boroko jwa badirela puso mo jaanong ba gwetlhegileng go tswa ka metlhala ya ka fa seemo se ka tokafadiwang ka teng. A re dingwe tsa dikgang le metlhala e mesha e ka nna go abela batho lefatshe go aga matlo a ka one go ka dirwang thulaganyo le puso go fokotsa bothata jwa tlhaelo le gone go hirisa matlo a batho ka bongwe. O bile a lekodisa batho ka thulaganyo e e tsweletseng ya puso ya go tlhomamisa gore dikago tsa puso tsotlhe ditsenngwe ditlamelo tse di tlhokegang jaaka motlakase go fokotsa le go emisa bothata jo bo teng mo mafelong mangwe a lefatshe leno. Dingwe tsa dikgang tse tona Mokalake a neng a di lekodisa batho ba dikgaolo tseo, ke temo-thuo e e tswakantsweng e a kaileng fa jaanong e letlelela balem-barui go dira dilo tse di farologaneng tsa temo-thuo mo lefatsheng le motho a le abetsweng. Batho ba Shadishadi le Boatlaname ba ngongorega ka palo e e kwa tlase ya babereki ba lenaneo la Ipelegeng, ba re seemo se tshwanela go tokafadiwa ka jaana dikgaolo tsa bone di sena ditsela dipe tsa go betlela batho diphatlha tsa mebereko. Mangwe a matshwenyego a banni a akaretsa go salela morago ga lenaneo la nyeletso lehuma, ba latola fa go sena ope wa bone yo o kileng a thusiwa ka thulaganyo eo. Le fa go ntse jalo tona Mokalake o ne a bowa a lekodisiwa ka matshwenyego a gangwe le gape a go salela morago ga dithuto tsa lenaneo la Talk Back kwa sekolong se se botlana sa Boatlaname ka tiego ya go thusiwa ke khansele potlana ya Molepolole/Lentsweletau. Modulasetilo wa komiti ya Ditlhabololo tsa Motse kwa Boatlaname Mme, Masego Sekgopa, o supile fa khansele e palelwa ke go abela sekolo diesel go tshuba jenereitara ka jalo go busetsa morago lenaneo la dithuto tsa dikhomputara kwa sekolong seo. Mangwe a matshwenyego a a neng a ipoeletsa e ne e le a seemo sa kwa kokelwaneng ya motse koo go tlhalositsweng fa mooki a patelesega go dirisa dipone tsa koloi go thusa balwetsi ka dinako tsa bosigo. Modulasetilo wa pele wa komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Boatlaname Rre Tsimane Ntlhogo o ne a iteela kobo moroko mafoko a modulasetilo wa VDC ka go tlhalosa fa modulasetilo wa kgaolo ya Molepolole/Lentsweletau Rre Jeffrey Sibisibi a solofetsa fa seemo se tlaa rarabololwa mo nakong e khutshwane, mme nako kgolo ke eno. Batho ba supile ka monwana tulaganyo ya batho bangwe ba maikutlo a bone a bopelo tshetlha a dirang gore ba inaakanye le thulaganyo ya go rekisiwa ga lefatshe mo kgaolong eo. BOKHUTLO politics 7 Ba tsaya dikgomo ka boferefere Go bolelwa fa setlhopha sa batho bangwe kwa Tlokweng se tseela barui ba dikgaolo tsa Kgalagadi, Legare le Kweneng dikgomo ba re ba ya go di rekisetsa dibutshara, mme fa di sena go rekwa ba tsene ka lenga la seloko. Mafoko a, a boletswe ke mogolwane wa mapodise a Tlokweng, Superintendent Lebalang Maniki bosheng. Rre Maniki o boletse gore fa e sale ngwaga o o fetileng, barui ba tsena kwa ofising ya gagwe ba batla go batlisiwa manweenwee ao, a tlhalosa fa bontsi jwa bone ba ise ba ba tshware. O tlhalositse fa madi a dikgomo tse ba setseng ba di begetswe a feta P100 000. O boletse fa ba tshegeditse borre bangwe ba dingwaga tse di fa gare ba le babedi, ba sena go tseela barui dikgomo kwa Molepolole. Superintendent Maniki o kopile barui gore ba seka ba kolotisa batho dikgomo tsa bone ba sa ba itse, ka jaana go tla a nna bokete gore ba ba bone fa ba setse ba batla go duelwa. E ntse e le gone kwa Tlokweng, mapodise a koo ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme mongwe wa mogwebi wa dingwaga tse di masome a matlhano le bone a tseetsweng ke banna ba batswakwa madi a a fetang P50 000 ba re a beeletse mo khamphaning ya bone, ba mo solofetsa morokotso o o rokotsang mathe mo nakong e khutshwane. Superintendent Maniki a re mo godimo ga moo, magotswana ao a ne a adima khompiutara ya ga mme yoo, mme ba nwa phefo. O ntshitse kgakololo ya gore Batswana ba tlogele go neela batho madi ba sa ba itse go le motlhofo jalo, ka jaana molao o sa letlelele gore batho ba tsadise madi e se ka fa molaong. A re gantsi fa manweenwee ba batla go tsietsa mongwe, batho bangwe ba tlaabo ba tla fa go bone ba itira ba ba kileng ba ba thusa, mme nnete e le gore ba a bo ba le mmogo mo boferefereng joo.Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Malema o kopa kokelo e kgolwane Kgosi ya Bobonong, Rre Mmirwa Malema, a re kgaolo ya Bobonong e tshwanetse go nna le kokelo e kgolwane. O buile seo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buswa ke mothusa tona wa botsogo, Dr Alfred Madigele bosheng. A re balwetse bangwe ba robaditswe mo mekgwatheng kwa kokelong a supa fa go ne gona le madi a kopa gore go agiwe kokelo e tona, e ka yone e ka amogelang balwetse ka kgaolo ya Bobonong ena le metse e mabapi. Fa tswa la gagwe modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) Rre Boitumelo Kgosietsile o tlhalositse fa dikgwetlho tse diapereng kgaolo ya Bobonong ena le tlhaelo ya dingaka ka ditlhano fela ka palo,a supa fa kgang kgolo ga di a lekana,ka setshaba se nna mo meleng e meleele nako se letetse thuso,a tlatsa ka gore baoki ba masome a marataro le bongwe fela, a supa fa bale bararo ba fudusediwa kwa mafelong a mangwe. A re ka tshwanelo ba ka bo ba le masome a marataro le boferabongwe ka jalo a supa tlhaelo ya baoki le dingaka e le kgwetlho. A re gona le dikokelwana di le pedi e leng Borotsi le Mabeleng kwa motseng wa Bobonong tse ka tsone di ka bo di atlolosiwa go thusa sepatela se setona go fokotsa mosuke. A supa fa malao a a robatsang balwetse ka gofarologana e leng bomme,borre le bana kwa sepateleng se see tona a le masome a mararo le boraro. A supa ka dipalo fa kgaolo ya Bobonong e na le batho bale 43 631 fa 8 000 e le ba ba mo dikolong. A re sebe sa phiri ke gore 47 per cent ba na le boroko fa 53 per cent e sena boroko, a tlatsa ka gore matlhotlhapelo ke thaelo ya dikoloi tsa Ambulance di le thano fela fa di le tharo e le tsone di dirang tiro. O boletse gore ga dumele gore batlaa goroga kwa ngwageng wa 2016 fa go santse gona le thaelo ya ditlamelo. Mothusa tona wa Botsogo ebile e le Mopalamente wa kgaolo ya Mmathethe Molapowabojang Dr Madigele a re lephata leo le botlhokwa ka go tlhokomela mmele wa bone, le ditlhaloganyo tsa bone. O tlhalositse fa tiro ya lephata leo gase bona setshaba setletse kwa dikokelong,a supa fa gona lephata la goruta, ka gona lemalwetse a tshelwanang e le a kgotholo e tona TB, AIDS, mme se sebotlhokwa ke gore baitlhokomele ka gona malwetse a a kekelang ke madi a matona , Kankere le swikiri A re borre ke batho ba batshabang kokelo,gape borre ba dingwaga tse di masome a mane ba amiwa ke bolwetse jwa kankere o tlaabona bona ka gore fa batshwanetse go ya seemelong go tsee nako go thapologa, kana morago fa bare bafeditse gonne go rotha ka jalo go botlhokwa go bona ba botsogo. O boletse fa setshaba se thuso puso ka go aga matlo ka theko ya Diteemane e wetse tlase, kwa bofelo baikgolaganye le mananeo a CEDA go aga matlo a ka o ne batlaa feresetsang badirela puso goitsa letlhoko la boroko. A re dingaka tsa kgaolo ya Bobonong di tlhano ka tshwanelo di k abo di herabongwe,a tlatsa ka gore maikaelelo a puso ke gore dikokelwana tsotlhe lefatshe ka bophara di atlolosiwe fa madi a kanna teng. A bolela fa a ne a tela kokelo ya Bobonong mme fitlhela matlhotlhopelo ,kwa bofelo a re gotla nna le karabane e tla thusang seemo seo. E ne ya re baakgela batsena phutlhego bare bogolo fa ba santse ba akanya go atlolosa batsise karabane go thusa balwetse basukiri ka boile magoletsa,bare kokelo eo e leswe. Bane batswa ka tharabolo ya gore fa dingaka kana baoki baya dijong tsa motshegare gonne le ba basalang go thusa setshaba ka fa melemong le ba baitekodisang goitsa mela e meleele. Ba ne bangongorega ka tiriso ya dibalamakgolo gore ba badirisang ba bonya,le gore balwetse ba baroditsweng basa kgone goijesa baoki ga ba ba thuse. Ba supile fa dikokelwana ditshwana Semolale le Mathathane diatlolosiwe go fokotsa mosuke kwa kokelong e tona yta Bobonong.Ntlha e nngwe bare kwa kokelong ya Bobonong gona le thaelo ya metsi e e bafitlhela ba e maema basaitse gore batla tsaya metsi kae. Mothusa modulasetilo wa khansele ya potlana ya Bobirwa Rre Sylvster Masweu a ba rotlotsa gotsaya mananeo a puso goitsha mo lehumeng. BOKHUTLO health 6 Ba Morope ba itela mo go ba kabo-ditsha Banni ba Morope ba kopile ofisi ya kabo-ditsha ya Mogoditshane go tshwana le modisa yo o pelo theri mo kgannyeng ya go baya bana ba Morope ditsha. Se se builwe mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane, Rre Vincent Seretse. E rile a rolela mopalamente thomo ya morafe, moeteledipele wa lekoko le le romilweng ke morafe mabapi le go bewa ditsha ga bana ba Morope, Rre Molebeledi Mokoke a kopa gore e re fa lekgotla la kabo-ditsha le sekaseka dikopo tsa bone, ba ipeye mo seemong sa modisa yo o molemo, yo e reng a gama kgomo, a akanyetse namanyane. A re go lebaka morafe o ledile ka kgang ya go beelwa bana ditsha morago ga gore ba tseelwe masimo.mme ba kabo-ditsha ba baya fa le fa. Ka jalo, mo boemong jwa morafe, o kopile mopalamente go ba ela kwa go tona wa ditsha go rarabolola kgang e. Rre Mokoke o kopile gape gore e re go utlwala fa ditsha tse di segilweng tse go tlaa bewang batho ba ba sutelang go gola ga toropo kgolo kgotsa go sutela ditlhabololo di ka feta dikete tse pedi, bana ba morope bone ba le palo potlana e e ka tshwarang makgolo a le mararo, ba bewe ditsha pele. O tladitse ka go re morafe o lopa gore mo go yone thulaganyo eo, ba sekasekelwe go bewa mo Morope go na le go bewa kwa metseng e sele ka e le bone beng ba motse. E rile ba akgela ka bongwe ka bongwe mo kgannyeng e, morafe wa bua ka lentswe le lengwefela ba supa fa ba ngongoregela tirisano mmogo ya bone le ofisi ya kabo-ditsha kwa Mogoditshane. Fa a iteela kobo moroko, Mme Johanese Babuseng o ne a gatelela fa jaanong ba tlhobaela e le morafe gore a mme ba tlaa tlhola ba bewa. A re bana le bone ba setse ba godile, a botsa gore, ‘re tlaa ba kgalemela jang, e bile ba tlaa nna le malwapa jang? Mme Granny Molefe a re ba kopa ditsha tsa dikereke ka go itshupile fa kereke e kgona go bopa le go aga motho, bogolo jang ka botlhoka tsebe bo ile magoletsa. A re ga go na kwa bana ba itlosang bodutu teng ka ba tseetswe le one mabala a metshameko tota. O tladitse ka go re bana botlhe ba ba emetseng go fiwa ditsha ba direlwe difomo tse ba tlaa di tlatsang e le bosupi jo ba ka bo dirisang go ya pele. Banni gape ba kopile gore ofisi ya kabo-ditsha e ba fe moalo wa Morope ka ba sa bolo go o kopa. E rile a ba kgwa dikgaba, Mopalamente Seretse a supa fa go diega go tsisa moalo kwa morafeng e le nngwe ya dilo tse di bakang gore batho ba seka ba nna le tshepho mo bodireding. Fa a itebaganya le peo ya ditsha, Rre Seretse o kgothaditse morafe gore ba nne pelo telele. A re karabo e a e filweng ke ofisi ya kabo-ditsha ya Mogoditshane e mo tshepisitse gore e tlaa re Phatwe ba bo ba ka fa morafe wa Morope thuso fa ba sena go fetsa ditiro tse di ba emeng pele. Le fa go ntse jalo, a re dikopo tsa bone o tlaa di fetisetsa kwa go tona yo o lebaneng le kabo-ditsha. Mothusa mokwaledi wa kabo ditsha ya Mogoditshane, Rre Thatayaone Disang a re peo ya bana ba Morope e diilwe ke mabaka a gore tiro e baneng ba e filwe ga ba a kgona go e fetsa, ke ka moo ba neng ba ya go kopa Tautona gore a ba okeletse nako ba digele tiro ya go godisiwa ga Gaborone pele. O bile a tshepisa fa ba tlaa tsisa moalo o o baakantsweng kwa morafeng. BOPA society 9 Ba lela ka mmaraka E re ntswa maphata ka go farologana a puso a eme ka dinao go thusa bao ba ba sa berekeng go simolola dikgwebo, go bolelwa fa letlhoko la mmaraka e santse e le kgwetlho mo bagwebing ba ba botlana. Se se senogile mo potsolotsong le mme Safirah Tapala wa Elegant Designs mo toropong ya Selebi Phikwe. Mme Tapela a re mo kgwebong ya bone ba bane ka palo mme ba ne ba bona thuso ya madi a a kana ka P159 000 go tswa kwa lephateng la tsa Bong (Gender Affairs) ka ngwaga wa 2011. Mme Tapela o tlhalositse fa kgwebo ya bone e inaakantse le go dira dibeke tsa mosepele le tsa sekole, mme mmaraka wa bone e le morafe mme seo se dira letseno le le kwa tlase mo go bakang gore ba seka ba kgona go thapa Batswana ba bangwe le go kokonelwa ke go duela lefelo le ba direlang mo go lone. Le fa go ntse jalo, o ne a iteela ba lephata la Gender Affairs legofi ka ba ba eme nokeng mo kgwebong ya bone, a supa fa ba ne ba ba fa thuso e nngwe gape ya madi a a kanang ka P81 000 morago ga go lemoga fa ba lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya didirisiwa. O ne gape a tlhalosa fa ba bapatsa kgwebo ya bone ka metlhale e e farologaneng e akaretsa go dirisa dikarata tsa kgwebo le mo dipampiring tsa dikgang. A re toro ya bone ke go bona kgwebo ya bone e aname le lefatshe lotlhe la Botswana ga mmogo le kwa ntle. Mme Tapela o ne gape a kgothatsa bao ba ba nang le keletso ya go simolola kgwebo go nna pelotelele le go bereka ka natla, ka jaana go tsamaisa kgwebo go se motlhofo. O ne a wetsa ka gore keletso ya bone ke go rekisetsa dikompone tse di tona mme a kaya fa ba kile ba ya go kopa thuso kwa dikomponeng di tshwana BCL ka jalo ba santse ba emetse phetolo. E ne yare a ntsha la gagwe, Mme Olebogeng Morebodi yo o itebagantseng le tsa nyeletso lehuma mo lephateng la tsa bong, a supa fa lephata la gagwe le itlamile go thusa bomme ba ba sa berekeng mme ba ikopantse, ka dithuso tsa madi le go ba ruta ka maele a go simolodisa dikgwebo tsa temo-thuo le tse dingwe jalo jalo. politics 7 Venson - Moitoi morongwa wa motia Ntlhopheng wa Botswana kwa lekgotleng la mafatshe a a kopaneng a Africa (African Union, AU) Dr Pelonomi Venson - Moitoi o solofetse thata gore o tlaa tlhophiwa mo kgweding eno kwa Kigali-Rwanda jaaka baeteledipele ba mafatshe a Africa ba tlaa bo ba kopane go tlhopha. Dr Venson-Moitoi, yo gape a leng tona wa tsa mafatshe a sele le tirisanyo ya mafatshefatshe o boletse fa a tshwenngwa ke gore ipapatso ya gagwe e na le dikgoreletsi tse di bakwang ke sepolotiki. A re dingwe tsa dikgoreletsi tseo ke seemo sa Botswana kwa kgotleng ya ditsheko tsa borukutlhi ya mafatshefatshe ( International Criminal Court (ICC) e go lebegang e farologana thata le mafatshe a Africa ka bontsi a a reng Africa e tshwanetse go intsha gotlhelele mo tumalanong eo ya Rome Statue. Dr Venson-Moitoi a re go lebega mo Botswana re bua se fa mafatshe otlhe a Africa a bua se se farologanang le se re se dumelang, a tlatsa ka gore ga re a tshwanela go tlogela tumalano eo fela ka ga e re berekele, boemo ja moo re tshwanetse ra e baakanya, seo ke tumelo ya rona. O tsweletse a tlhalosa gore go botlhokwa go bona gore ke eng tumalano eo e sa bereke, go balelwa le gore a jaana go sa dirwe ke makgotla mangwe a a kwa ntle ga Africa jaaka khansele ya itshireletso ya lekgotla la ditshaba (Security Council). Dr Venson-Moitoi a re fa re dumela gore khansele ya itshireletso e dira gore molao wa yone o seka wa re berekela, re tshwanetse ra itebaganya le khansele eo kana ra kopa gore melao eo e rulaganngwe sesha gore e re berekele go na le go e latlha, a tlatsa ka gore e tlaa bo e le go tlhoka go akanya. Dr Moitoi o boletse gore kwa phuthegong ya Hirikgong, o ne a bolela gore seemo sa Botswana mo kgannyeng eo ya Rome Statue e ne e le gore melao e baakanngwe gore e kgotsofatse dikeletso tsa mafatshe a Africa, mme botlhe ba ne ba dumalana. A re mo nakong eno mafatshe a Kenya le Botswana a a dumalana ka jalo yo o reng Botswana ke moema nosi mo kgannyeng ya ICC ga a itse se a buang ka sone e bile ke yo o batlang go senya ipapatso ya gagwe fela. O boletse gore kgang e nngwe e le yone e sa siamang ke ya gore Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama ga a tsene diphuthego tsa AU. A re e re fa a dumela gore Tautona o tshwanetse go tsena diphuthego tsa AU, o ne a bolela fa e se ene fela tautona yo a tleng a seke a bonale mo diphuthegong tsa, AU mme ebile go na le mabaka a a utlwalang a gore ke eng a seke a bonala mo diphuthegong tsa go nna jalo. Dr Venson-Moitoi a re Tautona Khama o kopanetse ditiro le bao ba a dirang le bone ka jalo mothusa Tautona o a tle a emele Tautona ka botlalo mme gape ka kgwedi ya Phukwi, go ne go na le phuthego kgolo ya phathi ya Domkraga le malatsi a boitapoloso a ga Tautona. Kwa ntle ga moo, Botswana o duela makgetho a gagwe sentle kwa AU le gore lefatshe leno le na le moemedi yo mogolwane kwa AU yo o tsenang diphuthego tsa lekgotla leo ka fa tshwanelong. A re ka tsela e e ntseng jalo, ga a tlhaloganye gore ke eng gotwe Tautona Khama ga a ke a ya diphuthegong tsa AU, ke sone se a reng gongwe go ka tswa go ntse jalo ka ba batla go bona sefatlhego sa ga Khama, mme se ga se dire gore lefatshe la Botswana go bo gotwe ga le tsene diphuthego tsa AU. A re mo godimo ga moo, Tautona Khama ga a kope tiro kwa AU, e kopiwa ke ene Dr venson-Moitoi ka sebele mme ka jalo seo ga se a tshwanela go dirisiwa kgatlhanong le ene. A re gore mongwe a bo a ka re Botswana ga a tshwanelwa ke go bona maemo ao, ke mafoko a a senang tlhaloganyo. Dr Venson-Moitoi a re ke tsone dikgoreletsi tse di emeng kgatlhanong le ipapatso ya gagwe mme fa e le gore Africa o tlaa tsamaya a tlhwaafalela botshelo, ga a tshwanela go dirisa mabaka a a ntseng jaana go tlhopha kana go thapa baemedi kana badiri ba yone. E re le fa ipapatso e se motlhofo, Dr Venson-Moitoi o ipona e le ntlhopheng yo o tlhwaafetseng. E ne ya re fa a sena go tlhongwa ke SADC, Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama a bo a tlhoma tautona wa boraro Dr Festus Mogae go etelela pele setlhopha sa ipapatso ya ga Dr Venson-Moitoi mo Africa. Dr Venson-Moitoi a re komiti ya ipapatso e setse e tlhomilwe mme e dirile ipapatso e e mashetla mo kgaolong ya borwa ja Africa le mo matoneng a mangwe a le one a tlaa gasang ipapatso ya gagwe fa ba ntse ba tsamaya mo Africa. A re Tautona Khama o kwaletse botautona ba bangwe makwalo a kopa gore ba mo eme nokeng mo ipapatsong ya gagwe. O boletse gore matona otlhe a Botswana a filwe tiro ya go nna baemedi ba Botswana fa ba tsamaya mo Africa, mo go tlaa tswelelang go fitlhelela letsatsi la ditlhopho, a tlatsa ka gore go dira jalo go tlaa tlhabola ipapatso. Tona Venson-Moitoi o boletse gape gore o tsamaile mo Africa ka fa a ka kgonang ka teng a kopa kemo-nokeng mo matoneng a mangwe a mafatshe a sele gore ba mmuelele mo mafatsheng a bone. Lekgotla la AU le kopana mo phuthegong ya bo 27 kgwedi eno kwa Kigali. Tlhopho e e tlhokwang ke ntlhopheng gore a nne modulasetilo ke bobedi mo borarong jwa batlhophi botlhe. Dr Venson-Moitoi o tlaa bo a iteisanya borathana le bontlhopheng ba bangwe ba le babedi go tswa kwa Uganda le Equatorial Guinea.BOKHUTLO politics 7 Ba Maape ba lela ka mokwaledi wa kgotla Kgosi Matshwenyego Rantsiapana wa Maape o supile matshwenyego ka ditsheko tsa kgotla ya gagwe tse di tsayang sebaka go sekisiwa ntateng ya gore ga a na mokwaledi. O supile matshwenyego a kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke tona wa botsogo le boitekanelo Mme Dorcas Makgato jaaka fa a ne a lekola metse ya kgaolo ya gagwe ya botlhophi ya Sefhare/Ramokgonami. Kgosi Rantsiapana a re ba simolotse ngwaga wa botlhano monongwaga ba sena mokwaledi mme kgotla ya gagwe e sale e godisitswe. A re seemo se se a ba kokonela ka ba tshela ka go kopa mokwaledi kwa metseng e mengwe a bolela fa mo nakong e ntsi fa ba kopa mokwaledi gosele, a tshwarwa ke ditiro tsa kgotla e a direlang mo go yone. A re borukutlhi mo motseng wa gagwe bo a oketsega ka badiramelato fa ba emetse tsheko ba tswelela ba dira melato e mengwe ka ba a bo ba ntse sebaka se se leele ba sa seke. Ka jalo o ne a ikuela mo pusong go mo thusa ka mokwaledi le mmereki wa kgotla yo o phuthang dikoloto. Mo go tse dingwe, Kgosi Rantsiapana o ne a kopa koketso ya mapodisi mo kgotleng ya gagwe ka mo nakong eno a na le mapodisi a le mabedi fela mme tiro e ba imela. A re mo dinakong tse dingwe lepodisi le lengwe le a bo le ile go itapolosa mme le le setseng le bo le sa kgone tiro sentle ka o a bo a le nosi go sena yo o mo thusang. O ne a kopa lepodisi le le lengwe la nakwana go thusa mapodisi a motse wa gagwe. Kgosi Rantsiapana o ne a leboga puso gobo e ne ya reetsa selelo sa bone sa go tlhabolola motlakase wa motse wa bone o o neng o tshabelelwa ke go kgaoga kgapetsakgapetsa go o dira wa 3 phase. O ne gape a leboga tona Makgato go bo a tlaa aga diofisi tsa kgotla kwa motseng wa bone. A re puso e ne e tlhaelelwa ka jalo Mme Makgato a bona go tshwanela go thusa. Mo nakong eno kago ya diofisi tsa kgotla tsa motse oo e setse e simolotse go agiwa e le ka thuso ya ga Mme Makgato. politics 7 Banni ba goga dinao Kgosi Gunny Moses wa kgotla ya Monarch kwa Francistown a banni ba kgaolo eo ba maoto a tshupa mo mererong ya ditlhabololo. O buile seo mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Francistown Bophirima, Rre Ignatius Moswaane ka Labotlhano. Kgosi Moses a re leobo la kgotla eo le sale le shele ngwaga o o fetileng mme morafe ga o supe mowa wa boipelego go lr aga gape A re smatlhogo tshweu a tshwanetse go nna sekao mo bananeng. Kgosi Moses o tlhalositse fa komiti ya motse e dirile sengwe mathata go pala one morafe go tsenya letsogo. A re ene o rata morafe o o itirelang eseng go nna ba ikaegile ka puso dinako tsotlhe a tlatsa ka gore mabogo dinku a a thebana. Kgosi Moses o tsweletse a re le fa go ntse jalo, o tlaa aga leobo le lentle le ka go kopa thuso mo mehameng e e ikemetseng. O tlhalositse gore ka lesego la gagwe, o kgonne go bona thuso go tswa kwa khanseleng ka madi a go thusa go aga leobo leo. Kgosi Moses a re leobo le fa kgotla seriti se morafe o ka kgonang go ithona dinta sentle dikgang tsa bone di sa fokwe ke phefo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Dinah Gabaitshenye a re Monarch ke ene a di gogang kwa pele mo borukutlhing. A re banana ga ba tsene diphuthego go utlwa tse di amang matshelo a bone a re nako ga e sa tlhole e le ya maloba. Mme Gabaitshenye o kopile go okelediwa palo ya babereki ba Ipelegeng a tlhalosa fa kgaolo eo e na le tiro e ntsi. Fa a araba matshwenyego a bone, mopalamente Rre Moswaane a re puso e dule ka mananeo a le mantsi, go leka go fokotsa yone palo ya Ipelegeng. O supile fa tiro ya Ipelegeng e se ya sennela ruri mme e le ya nakwana gore batho ba tle ba bone madi a go palama go latela mananeo kwa a leng teng. Rre Moswaane a re puso ya lefatshe leno e rotloetsa mowa wa go itirela ka jalo morafe o tshwanetse go supa kgatlhego mo mananeong. O ne a kopa morafe go thusa kgosi go aga leobo la maemo a ntlha. politics 7 Banana itshetsa ka go thula tshipi Banana bangwe ba letso la Sezezuru ba boletse fa go ithuta tiro ya diatla ele selo se siameng ka gonne ba kgona go rekisa dithoto tse ba di dirang mme morago ba ituelela kwa sekoleng le gone go tlamela malwapa a bone ka dipoelo tse ba di bonang mo thekisong eo. Fa ba bua mo potsolotsong bosheng, Rre Gift Richard, Patric Mogale le Dipono Pesela ba boletse fa ba tlholega kwa Francistown mme e bile ba feditse lekwalo la bosupa jalo ba ile Maun go rekisa dithoto tsa bone ba sena go tswala sekole. Ba boletse fa ba itshetsa ka go rekisa ditshwantsho le mekgabisa ya mo ntlong e akaretsa dikoloi tsa banana, dithunya, mabolokelo a madi le diphologolo tse ba di dirang ka dibagabiki tsa dino tsididi tse ba di selang mo mekgwatheng. Rre Richard a re ba rutilwe go dira dithoto tseo ke mogoloa bone yo o direlang kwa Maun. Rre Patrick ene o boletse fa ba dira tiro ya bone fa ba tswa sekoleng mme e bile ba setse ba feditse tiro ya bone ya sekole. Makawana ao a boletse fa tiro ya bone e le botlhokwa fela thata mo matshelong a bone ka jaana batsadi ba bone ba sa bereke jalo ba kgona go reka dijo kwa malwapeng a bone le go ituelela madi a sekole. Ba re ba setse ba kgonne go baakanya madi a go reka paka ya sekole ka jaana ba tshwanetse go simolola kwa dikoleng tse dikgolwane ngwaga o o tlang. Rre Pesela ene o boletse fa ba rekisa ditshwantsho tsa bone kwa maemelong a difofane kwa Maun e bile ba seke ba dira madi a a kwa tlase ga P600 ka letsatsi. A re dithoto tsa bone di simolola ka P40 mme o boletse fa bosheng ba rekisitse tlou ka P3500 mo bajanaleng ba ba tswang Germany. Fa a ba kgwa kgaba, mogolwane wa motse Mme Kempho Magunga o boletse fa bana ba, ba le botlhale fela thata. O galaleditse morafe wa Bazezuru ka ngwao ya bone ya go itshetsa ka diatla le go ruta bana tiro ya diatla, a tlatsa ka gore tiro ya bana ba e phepafatsa tikologo ka ba dirisa matlakala. society 9 Kgwebo e tlhoka bopelotelele Batsena ithutuntsho tsa kgwebo ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma ba kopilwe go tsaya dikgwebo tsa bone ka tlhwaafalo. Mafoko ao a builwe ke modulasetilo wa komiti ya khansele potlana ya Letlhakeng ya thuto, botsogo le matshelo a batho, Rre Tshepiso Lesope. Mokhanselara Lesope o supile fa kgwebo e tlhoka boineelo le bothakga go busa dipoelo. O supile fa khansele e ntshitse mogopolo wa gore ba tla thusa botlhe ba ba thusitsweng ka mananeo a nyeletso lehuma ka go reka mo go bone. O ne a tswelela ka go supa fa mananeo a nyeletso lehuma e le one a ka thusang go ogola banni ba kgaolo potlana ya Letlhakeng mo lehumeng la nta ya tlhogo, a tlhalosa fa e bile puso e okeditse madi a dithuso tsa nyeletso lehuma go ya kwa go P15 000.00. Rre Lesope o ne a supa fa a tshwenngwa ke batho ba ba phuaganyang dikgwebo ka go baya fela mo pusong. Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa a itumeletse go bo ba boipelego ba akareditse baithuti ba bantsi ba metse e kwa tenyanateng. Mo mafokong a gagwe a kamogelo, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Letlhakeng Bokone, Rre Rahim Batshwaregi, o ne a gwetlha batsena dithuto tseo go tsaya tse ba di rutilweng tsia, a bo a ba gakolola gore ba godise dikgwebo tsa bone ntleng le go baya mo pusong fela. O ne a supa fa kgwebo e na le dikgwetlho mme motho a ka tswelela kana a gola ka go ithuta mo go tsone. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Bagodi ba itumelela diromamowa le dikobo E rile bosheng bagodi ba Mogorosi mo kgaolong ya Legare ba amogela diromamowa le dikobo tse ba neng ba di solofeditswe ke puso ka boitumelo jo bogolo. Fa a ba abela dimpho tseo, mmaboipelego kwa motse oo, Mme Lesedi Diboko o tlhalositse gore ke bagodi ba le masome a mararo le boraro mo kgaolong ya gagwe ba ba akotseng dimpho tseo, a supa fa ba le batlhano go tswa mo palong eo ba abetswe le dikobo. Mme Diboko o tlhalositse fa e ne ya re ka 2012 puso ya lefatshe leno ya ntsha taolo ya gore ba sekaseke bagodi le batlhoki ba dingwaga tse di masome a marataro le botlhano go ya kwa godimo e bile ba nna ba le nosi mo malwapeng, a supa fa se, se ne se tla morago ga gore puso e lemoge fa go na le bagodi bangwe ba ba nnang ba le nosi nako e ntsi kwa magaeng mme ba bolawa ke bodutu. O ba kgothaditse go tlhokomela dimpho tseo, a re ba tshwanetse go itse gore puso e dirisitse diketekete tsa madi go tokafatsa matshelo a bone. Le fa go ntse jalo, o ba tlhagisitse gore ba tlaa tshwanelwa ke go ithekela malatlha a masha fa a ba a abetsweng le diromamowa a fedile. O tsweletse gape ka go tlhalosetsa bagodi gore diromamowa tseo ga di ye go ba tlisetsa dikgang fela di kgona le go ba bonesetsa bosigo ka jaana di na le lebone. Fa a ntsha la gagwe, mogodi mongwe yo o akotseng dimpho tseo, Rre Heri Malele, o boletse fa a itumeletse seromamowa a bo a akgola puso ya lefatshe leno go bo e tsweletse ka go supa kutlwelobotlhoko mo Batswaneng ka kakaretso. Rre Malele o boletse fa seromamowa seo se tlaa tsisa phetogo mo go ene ka a ne a ntse a sena sone e bile a tlaa kgona go utlwa dikgang segolo bogolo ka ditlhopho tsa lefatshe leno di le gaufi. BOKHUTLO society 9 Matimela ke mokgweleo mo dikhanseleng Balemi-barui ba metse ya Molapowabojang le Digawana ba kopile gore matimela a busetswe mo lephateng la temo-thuo, e nne bone ba a tlhokomelang ka gore ke bone ba itseng thata ka leruo go na le khansele. Ba re lephata la temo-thuo ke lone le nang le ditshipi le bo Omang ba dikgomo ka jalo le tshwanetse go leletsa beng ba dikgomo go tla go di tsaya. Mo phuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Ngwaketse Borwa, Rre Peter Siele bosheng ba boletse fa P2 wa tlhogo ya kgomo a le monnye fela thata ka jalo ba re go tshwanetse go okediwe e nne P5. Ba supile gape fa dikgwedi tse dikgomo di di tsayang di le kwa masakeng a matimela di le dintsi thata ka jalo ba batla di fokodiwa. Bangwe ba dumalane fa dikhansele di babaletswe thata ka gore di duelela go phutha leruo, go disa, go le jesa dijo, go le nosa ga mmogo le go duela badisa. Ba boletse gape fa melemo ya leruo le yone e tura mo go maswe ka jalo ba dumela fa molao o tshwanetse go fetolwa ka ba re o siilwe ke nako. Mo dikgannye tse dingwe, Mopalamente Siele o lebogile batlhophi ba kgaolo eo ka a bolela fa a gogile le bone ka botswapelo le kagiso mo dingwageng tse di lesome, mme a tla bo a neela moemedi yo mongwe go tsweledisa tema. O lebogetse banni bao go dira mmogo ka bopelotelele, mme le bone ba bolela fa a tshwanetse go tsena mo dibukeng tsa ditso ka a tshwere dikgang tsa bogosi ka manontlhotlho mo lefatsheng leno Rre Siele o ne a abela baithuti ba sekole se se segolwane sa Chichi ba le masome a mabedi le borataro digalase tsa matlho tse di neng di ntshiwa ke ba Lobatse Lions Club, morago ga go ba tlhatlhoba matlho mahala. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Lentsweletau o tlhoka motlobo wa dibuka Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Lentsweletau, Rre Rogers Kgatitswe, a re motse wa bone o tlhoka go agelwa motlobo wa dibuka o o atologileng. E rile a bua mo potsolotsong, Rre Kgatitswe a re mo bogompienong go hirisitswe ntlo ya komiti ya ditlhabololo tsa motse, selo se a tlhalosang se sa nna sentle ka jaana ntlo ya teng e le potlana fela thata e bile go dira thata gore go tsenngwe dibuka tse dintsi. A re selo seo jaanong ke sekgoreletsi mo go ba ba batlang go dirisa dibuka. O ne a tlhalosa fa go agelwa motlobo wa dibuka o o atologileng go tla ngokela banana le batho ba motse go tla go o dirisa go bala le go dirisa maranyane a inthanete. Rre Kgatitswe o ne a tlhalosa fa ba gokeletswe maranyane a inthanete mo motlobong o ba o dirisang mo bo gompienong le dikhomputara di le tharo, palo e a reng gongwe e kabo ele fa godingana fa nne motlobo oo o le mogolwane. O ne a tswelela go tlhalosa fa seemo seo se dirwa maswe le go feta ka jaana mo lefelong leo gona le bana ba dingwaga tse di kwa tlase ba ba nnang teng, selo se a kayang fa se ba baa mo diphatseng ka dira di ka nna tsa tsamaela kwa go bone di ipata ka goya motlobong. O ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore bana ba ba dikole tse di ko tlase go nne le fa ba nnang teng mme ebile le bone ba nne le dikhomputara tsa bone go ba ruta ka maranyane a ba sa ntse ba le bannye. Rre Kgatitswane o tlhalositse gore, go le gantsi fa bana ba sena se ba se dirang, ba feletsa ba dira ditiro tsa botlhoka tsebe ka jaana ba nna fela ka diatla. education 4 Monana o paka nyeletso lehuma Rre Obuilwe Muzila, monana wa Francistown, o ipelafatsa ka lenaneo la nyeletso lehuma ka le mo file seriti mo botshelong. Rre Muzila, yo o dingwaga di masome mararo le bobedi, a tlholega kwa Mathangwane, o tlhaloseditse BOPA mo potsolotsong gore fa e sale a bona dithuso tsa nyeletso lehuma ka 2014 go itshimolela kgwebo ya moriri, botshelo jwa gagwe bo fetogile go menagane. O tlhalositse fa a ne a utlwalela ka lenaneo le mo seromamoweng, mo diphuthegong tsa kgotla gammogo le ka bangwe ba banni ba Francistown ba ba neng ba setse ba kgonne go bona dithuso tsa go itshimolela dikgwebo. Ka jalo a re ntleng le go gadima kwa morago, o ne a ikgolaganya le ba ofisi ya tsa boipelego ya kgotla ya Phase IV go ya go itseela ka tsoo-pedi. “Gone kwa ofising eo, ke ne ka bona tlhaloso e e tletseng ka mananeo a nyeletso lehuma,” a bolela jalo. O ne a tlhalosa fa gareng ga mananeo ao, a ne a tlhalosediwa ka mananeo a go apaya, go roka, go betla, go rekisa gammogo le yone kgwebo ya moriri gareng ga tse dingwe. Rre Muzila o ne a tlhalosa fa morago ga go tlhalosediwa moo, a ne a itlhophela go ikwadisetsa go tsena mo kgwebong ya moriri gone ka 2014. “Ka ke ne ke berekile ka lobaka mo dikgwebong tsa moriri ka go farologana, ke ne ka dumela fa ke na le botsipa jo bo tletseng jwa kgwebo e mme ya nna yone e ke ka eletsang go thusiwa ka ditsompelo tsa yone go e dira,” a bolela jalo. A re batho ba ne ba dumela fa kgwebo e e dirwa thata ke bomme, mme ka jalo ba ne ba sa dumele gore o tlaa e kgona. Ke gone ka moo a neng a supa fa go eteletsa pele mowa wa lorato le go nna le maikaelelo mo go se a eleditseng go se dira go ne ga mo tiisa moko go sa reketle ka gope go tswelela pele. O tlhalosa fa e ne ya re a ntse a letile karabo ya kopo ya gagwe, a lelediwa ke ba ofisi ya boipelego ba mo tlhalosetsa fa kopo ya gagwe e sa atlega. “Ke ne ka seka ka kgobega marapo ke go sa atlega ga kopo ya me, mme ke ne ka rwala ditlhako ka ya go utlwa sentlentle gore matsapa di a tsaya kae,” a bolela jalo, a supa fa a ne a ipaakanya diphoso mme a tsenya gape kopo ya gagwe ka Phalane. A re mo sebakeng se se sa fediseng pelo, kopo ya gagwe e ne ya arajwa mme a thusiwa ka P15 000 yo o neng a mo kgontsha go reka ditsompelo tsotlhe tse di tlhokegang go dira kgwebo ya moriri. Gape a re e ne ya re go tloga foo a itoma wa tlase molomo a semelela, a ntsha maduo. “Fa ke go tshwere ka diatla tsa me mo tlhogong, a ke go go beola kgotsa go loga, bontle jwa gago e nna jwa marata go lejwa mme e bile le wena o ka se itshole ka gope,” a ipoka jalo. O ne a tlhalosa fa go dira ka botswapelo go ne ga mo thusa gore a bone balogi ba bangwe morago ga go bona bokgeleke jwa gagwe mo go ba a ba logileng. Mo nakong eno, Rree Muzila o tlhalosa fa kgwebo ya gagwe e santse e itsetsepetse mme e bile o ikaelela go tswelela a ntsha ga sthwene. “Fa ke bua le wena jaana ka dipoelo tse ke di dirileng ke kgonne go ithekela setsha sa bonno kwa Hubona, ke kgonne go kwadisa kompone, ke kgona go ikapesa le go ijesa gammogo le go tlamela bana ba me ba bararo,” Rre Muzila bolela. Kgwebo ya gagwe e a e biditseng Watida Hair Salon e direla mo Francistown kwa kgaolwaneng ya Itekeng mme e kgonne go hira Motswana a le mongwe. O tlhalositse fa se e le kgatelopele mo maitekong a go leka go bula diphatlha tsa mmereko mme a re o ikaelela go gola mo kgwebong gore a kgone go thapa Batswana ba le bantsi. Rre Muzila o bile a kgothatsa banana ka ene go emela matshelo a bone ka dinao go sa le gale, a tlhalosa ba tshwanetse gore ba iphataphatele go na le go ipata ka letlhoko la ditiro. O tsweletse a kgala boitseme jo bo dirwang ke batho bangwe ba e reng ba abetswe dithuso tsa lenaneo lepe fela la puso ba bo ba sa tsenye moko dinameng. Gape o tlhalositse fa puso e senyegelwa ke madimadi ka mananeo a, ka jalo go ngomola pelo gore batho e re ba thusitswe ka madi a a kana ba bo ba itsemeletsa. “Mananeo a a nyeletso lehuma a molemo thata go ka tlhabolola matshelo a rona Batswana fa fela re ka a tsaya ka tlhoafalo,” a tlhalosa. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Masisi o tshedisa boora Ramothokgwana E rile ka Labobedi, Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a ya go tshedisa ba lelwapa la ga Mme Lingiwe Ramothokgwana yo tlhokafetseng kgwedi eno e tlhola malatsi a le mane. Mme Ramothokgwana e ne ele mokwaledi kwa Ofising ya ga Tautona a lebagane le tsa botsamaisi jwa ofisi. Tautona Masisi o kaile fa Mme Ramothokgwana a ne a le bonolo e bile e le mongwe wa babereki ba ba neng ba le boineelo mo tirong. Dr Masisi o ne a supa fa a latlhegetswe ka jaana seru se se wetseng boorra Ramothokgwana le ene se mo ama. Tautona o ne a gakolola ba losika gore ba seka ba itlhoboga, mme ba kgothale. O ne a ba kgothatsa go godisa bana ba moswi ka lerato. Kgaitsadie Mme Ramothokgwana, Rre Sam Mpuchane o ne a bolela fa moswi a ne a tlhagogelwa ke bolwetse kgwedi ee fetileng e ya fifing. Rre Mpuchane o tlhalositse fa pelaelo e ne e le madi a kwa tlase, mme ba bongaka ba fitlhela a kikitletse mafatlha. Mme Ramothokgwane o tlhokafetse ka Labobedi beke e fetileng, mme o tla bolokelwa kwa Kanye mo kgotleng ya Mathubapula mo mosong wa Matlhatso. Moswi o tlogela rre, bana ba le bane; basimane ba le babedi le basetsana ba le babedi. society 9 Tlhaelo ya dipilisi e tshwenya banni ba Khakhea Banni ba Khakhea kwa kgaolong ya Ngwaketse Bophirima ba ikuetse mo go mothusa tona wa botsogo, Dr Gloria Somolekae ka tlhaelo ya dipilisi mo kokelwaneng ya bone. Fa a lekodisa mothusa tona, mokwaledi wa komiti ya ditlhabolo tsa motse, Mme Fridah Mampe, o tlhalositse fa kokelwana ya motse wa bone e tlhaelelwa ke dipilisi mo go pateletsang balwetse bangwe jaaka ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo go tlodisa go nwa dipilisi ka ntata ya seemo seo. Mme Mampe o kaile fa tlhaelo ya dipilisi e pateletsa ba ba kgonang go tsamaya sekgala se se telele go ya toropong ya Jwaneng go latela dipilisi mme ba ba senang madi bone ba botabota tsela ya kokelwana ka tsholofelo ya gore ba ka di bona. Mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo o ne gape a ikuela mo go mothusa tona ya botsogo gore go okediwe baoki mo motseng ka ba na le ba le babedi fela, ba ba ketefelelwang ke tiro, ka ba tlhokomela le balwetsi ba metse e e mabapi. O ne gape a bolelela Dr Gloria Somolekae ka letlhoko la boroko le le apereng badirela puso ba tshwana le baoki, barutabana, mapodise le badiri ba makgotla a Setswana. Mongwe wa banni, Rre Motlasuping Lekgare, o ne a kopa mothusa tona ya botsogo gore ba leke go tlhabolola kokelwana ya bone gore e kgone go belegisa, go kgaolela bomme ba ba gaufi le go belega mosepele wa go ya dikokelong tse dingwe tse di belegisang. Fa araba matshwenyego a banni, Dr Gloria Somolekae o tlhalositse fa lephata la botsogo le tla tokafatsa phatlalatso ya melemo gore e kgone go goroga kwa metseng yotlhe ya lefatshe leno. Mothusa tona o ne gape a tlhalosa fa kwelotlase ya itsholelo e bakile gore ditlhabololo tse dingwe di seegelwe fa thoko, mme o ne a solofetsa banni ba Khakhea gore fa itsholelo e sena go itshetlela ditlhabololo di tla goroga kwa Batswaneng. Mothusa tona o ne a kgothatsa batsena phutego go tsaya botsogo jwa bone tsia ka go itlhatlhobela malwetsi a tshwana le madi a a kwa godimo, kankere ya popelo, sukiri, mogare wa HIV le kgotlholo e tona, ka go supegile e le malwetsi a a atileng mo Botswana. Mothusa tona o ne gape a bolelela batsena phuthego fa ba botsogo ba tlhabolotse kwa go tlhatlhobelwang kankere ya popelo teng, ka go sa tlhole go tsaya sebaka se se leele jaaka pele go bona maduo. Fa a fa malebo, mopalamente wa kgaolo, Rre Mephato Reatile, o lebogetse go bo mothusa tona a tsile go lekola banni ba Khakhea, e bile tsholofelo e le gore matlhoki a bone a tla sekasekwa mme a bone tharabololo. Mopalamente o ne a kopa banni go nna pelotele mo dikopong tsa bone ka jaana itsholelo e sa ntse e tokafala e bile mothusa tona a ya go buisana le ba ba maleba ka dikgwetlho tsa bobe. BOKHUTLO health 6 CEDA itlama go thusa bagwebi Mookamedi wa lekalana la Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA Rre Thabo Thamane a re diphetogo tsa bosheng tsa melawana ya tsamaiso ya CEDA di diretswe go ntsha dikgwetlho le go fa Batswana botlhe sebaka sa go nna le seabe mo itsholelong ya lefatsheng la bone. O buile jaana bosheng mo Gaborone fa a tlhalosetsa bobegadikgang ka diphetogo tse di sa tswang go dirwa. Rre Thamane a re ba bone go tshwanela go lebelela melawana ya tsamaiso ya CEDA mme ba dirile se ba tshwaragane le ba Lephata la Peeletso, Papadi le Madirelo le ba-tsaya karolo ba bangwe. A re ba ne ba lemogile dikgwetlho di le mmalwa tse Batswana ba neng ba bua ka tsone, bogolo jang ka ba ne ba sale ba sekasekile melao e ka 2008. Mogolwane o ne a re maikaelelo a melawana e, ke go agelele dintlha di le mmalwa gore Batswana botlhe ba bone sebaka sa go thusa go tlhama ditiro. Rre Thamane a re ba ne ba lebelela dikgwetlho tse dingwe, bogolo thata mo bananeng jaaka seelo. A re ba ne ba lebelela le badiragatsi ka melao ya bone e ne e ba beile ka fa mosing. A re jaaka Tautona Dr Mokweetsi Masisi a buile fa a simolodisa melawana ba ne ba lebelela merokotso, seelo le sebaka se moikopedi a se tsayang go duela sekoloto. Mogolwane a re ba ne ba lebelela gore go na le dikarolo dingwe tsa itsholelo tse ba dumelang gore ba ka di tokahatsa. A re bagwebi ba babotlana ba ne ba adingwa go simolola ka P500 go ya kwa go P500 000, kadimo e jaanong e ema kwa go P1m. Bagwebi ba babotlana ne ba tsaya dingwaga tse tlhano go duela sekoloto jaanong ba tsaya dingwaga di supa. Morokotso mo go bone e ne e le botlhano mo lekgolong jaanong o na le dikarolo tse di farologanyeng ba lebeletse mehama ya itsholelo. A re ba ba dirang dithoto, tsa meepo, tsa kgotetso, tsa kago, boranyane le go itlhamela dithoto, temothuo, Bojanala, bodiragatsi ba di beetse ka fa tlhoko ka tumelo ya gore ba ka kgweetsa itsholelo ka e bile Batswana ba ne ba se mo go tsone thata. Morokotso wa tse a di nankotseng ke 2.75 per cent mme tse di sa balwang e ya go nna 4.25 per cent. Mo dikadimong tse di fa gare ba ne ba ema ka P4m, mme jaanong ba tlaa bo ba fiwa P10m. Mo melawaneng ya bogologolo o ne o kgona go duela mo dingwageng tse di lesome jaanong ke dingwaga tse di lesome le botlhano. Morokotso e ne e le bosupa le 7.5 per cent jaanong ke 4.25 fa tse di sa balwang mo go tse di rileng e tlaa bo e le 5.75 per cent. Mo dikadimong tsa dikgwebo tse ditona ba ne ba ema ka P30m jaanong ba ema ka P50m. Sebaka sa dituelo e ne e le dingwaga tse di lesome le botlhano jaanong mokopi o ka duela mo dingwageng tse di masome mabedi. A re ntswa ba rile dingwaga tse di masome mabedi, ba lebelela ka fa kgwebo e kgonang go duela ka teng. Morokotso wa tse o tshwana le wa tsa kgwebo tse di fa gare. Jaanong go na le fa mokopi a kopang teng mme CEDA e kope go tsaya serwe mo kgwebong eo, kgwebo ya go nna jalo e ne e fiwa P30m pele mme jaanong e fiwa P50m. Rre Thamane a re CEDA e ne e letlelelwa go tsaya 20 per cent jaanong e ka tsaya tsaya 26 per cent, selo se a reng se thusa Motswana gore a seka a babalelwa ke bokete jwa dituelo tsa kadimo. A re seabe sa Motswana e ne e le 15 per cent fa jaanong e le 10 per cent. A re go ya go nna le tse di tlaa bong di sa ame dikgwebo tse dipotlana, go itsa go ba imetsa sekoloto. Mookamedi wa CEDA a re fa motho a ikopela go na le sebaka se a se fiwang pele a simolola go duela, go sa lopiwe morokotso ope. A re ba ne ba lemoga fa bangwe ba dikgwebo e ne e re fa a simolola go duela a ba a duela madi otlhe go sena morokotso, ka jalo go paledise CEDA go dikolosa madi go adima ba bangwe, mme jaanong ba ya go lopa madi a go duela pele ga nako. A re se, se tsile go ama bagwebi ba ba fagare le ba batona. O ne a re go tlhatlhoba, go baya leitlho go reetsa maikuelo a bone, ba bitsa batho go tswa kwa ntle go ba thusa go tlaa lopiwa sengwenyana. A re ba lemogile fa kgang ya seelo e ne e beile Batswana ka fa mosing, bogolo jang bagwebi ba babotlana. Rre Thamane a re ba ne ba dirisa se ba se rekelang mokopi e le seelo mme fa go tlhaela ba kope gore mokopi a tlatse ka ditsompelo tsa gagwe, selo se a reng se ne se paledisa ba bangwe ka ba ne ba sena sepe, jaanong moikopedi o tlaa bo a ikanela sekoloto fela. A re le mo bagwebing ba ba fa gare go ne go ntse fela jalo. Rre Thamane a re bakopi ba dikarolo tse di nankotsweng ba tlaa tlhoka gore motho a kwale a itlama. “Re kgona go tsaya boitseanape jwa gago e le seelo mo badiragatsing, ka jalo re ba rotloetsa go sireletsa megopolo ya bone. Mo go tse di sa nankolwang re lebelela seelo sa mokopi gore go tlhaela eng e bile go ka dirwa eng mme ba lebelele seabe sa kgwebo mo itsholelong jaaka ditiro tse mokopi a ka di tlhamang.” Mo go tse ditona tse di nankotsweng, mokopi o ikanela sekoloto mme e be ba tsaya seelo sa dilwana tse re tlaa bong re di rekile, jaaka ba ka dirisa motshine o re o reketseng rakonteraka go nna seelo. A re ba batla dikgwebo tse di nwegang moro, ka jalo ba kopa Batswana go ya kwa makalaneng a bo LEA go bona bogakolodi jo bo tsepameng. Rre Thamane a re mo dikadimong tsotlhe ba kgona go fokotsa seelo ba lebile gore o ka atolosa itsholelo, o ka tlhama ditiro tse di, le lefelo le kgwebo e tlaa bong e le teng. society 9 Galejewe o inosa ka nkgo Mme Malebogo Galejewe (43) yo o tlholegang kwa Gweta ke mongwe yo o nnileng tsebe ntlha go utlwa mokgosi wa gore mongwe le mongwe a ikemele ka dinao ka go dirisa mananeo a puso. Mme Galejewe o ile a lemoga gore e tla re a re o tshela sentle a bo a itirela sengwe ka diatla tsa gagwe, a tshela ka mofufutso wa phatla. Ga a ipona tsapa go ka dira leano la go itirela kgwebo ya go suga matlalo le gone go roka dithoto di akaretsa ditlhako, mabante, dibeke, diphate le tse dingwe ka go farologana ka one matlalo ao. Mme yo o setse a na le lobaka lwa ngwaga di supa a le mo kgwebong e, a re fa a simolola, go ne go se motlhofo ka jaana o ne a sena madi mme fela a ikitaya sehuba gore sepe se seka sa mo kgopa. A re o ne a sela matlalo go roka ditlhako le tse dingwe mme a dirise thaere ya koloi go dira serethe kgotsa sola ya setlhako. Mme Galejewe fa a tla go itlhophela kgwebo eno, o ne a lebile botsipa jo a nang najo, o itsentse dithuto tsa go dira ka matlalo tse di neng di rulagantswe ke ofisi ya Rural Training kwa Gweta, a e tsena gape kwa Dukwi mme a ya go wetsa kwa Impala gaufi le toropo ya Francistown. E re le fa a ne a simolola kgwebo ka ditshenyegelo tsa gagwe, Mme Galejewe a re o ne a bona go sa tsamaye sentle ka a ne a tlhaela dingwe didirisiwa, ka jalo a seka a ipona tsapa a ikopanya le ofisi ya boipelego go ikopela dithuso. A re kopo ya gagwe e ne ya atlega ngwaga o o fitileng mme a thuswa ka didirisiwa di akaretsa ditlhale le tse dingwe tse a di tlhokang go tsamaisa kgwebo ya gagwe.Mme Galejewe a re le fa a itemogela theko e e ko tlase ya dithoto tsa gagwe, bogolo thata fa kgwedi e le fa gare, ga a nna fela ka boitlhobogo ka jaana o tsweletse ka go ipapatsa mo mafelong a akaretsa Maun, Dzoroga, Francistown le a mangwe. A re ka dipoelo tse a di bonang, le ene o kgona go oba letsogo le gone go tlhokomela ba lelwapa la gagwe, gape o kgona go ituelela lefelo le a le hirisitseng go direla kgwebo mo go lone. Fa o lebile dithoto tsa ga Mme Galejewe, o ka lemoga fa e le motho a itse se a se dirang gape ga a kgale go supa fa lenaneo la nyeletso lehuma le mo diretse tiro motlhofo ka o setse a kwadisitse kgwebo ya gagwe ka fa molaong e itsege ka leina la Gochela Shoe design. society 9 Lephata la temo-thuo le isa ditirelo kwa baruing E re ka kgaolo ya kgalagadi e tumile ka go sa tshwenngwa ke matlhoko a leruo le mororo go seke go tlhoka selabe, ba lephata la ofisi ya dijalo, lephata la tsadiso leruo le ba lephata la matlhoko a leruo go tswa kwa ofising ya temo-thuo ya Hukuntsi ba ne ba bolotsa letsholo la go kentela bolwetsi jwa motshweetshwee mo dihutshaneng mo merakeng e e mo tikologong ya Hukuntsi. Fa a bua kwa merakeng ya Bohese bosheng, Mme Lesego Gabonnelwe, yo o direlang mo ofising ya thuo ya dihutshane, o ne a tlhalosa fa bolwetse jo jwa motshweetshwee bo atile mo Kgalagadi mme a supa fa bo tsalwa ke dinwamadi jaaka matsetse ka jaana bo ama letlalo la dihutshane. A re dikai tsa bolwetse joo, di lemotshega ka go omelela ga letlalo, mme di nne ka go ingwaa ka ditlhare, mme se se bake tshologo ya madi mo letlalong mme e re phelelong, boboa bo felele bo tlhotlhorega. O ne a ba kgothatsa go tipa dihutshane ka nako tsotlhe kana ba reke molemo wa Ivermax go di alafa. O ne gape a tlhalosa fa bolwetse joo bo tshelanwa gareng ga dihutshane mme e bile bo kgona go tsena le batho, ka jalo a ba rotloetsa gore fa ba itemogela dikai tsa bolwetse mo dihutshaneng ba di tlhaole mo go tse dingwe. Mme Gabonnelwe o ne a supa gape gore fa barui ba sena go kenta dihutshane ba nne malatsi a ka tshwara lesome le bone ba sa di tlhabe go ja nama ya tsone, ka jaana molemo o o mo diruiweng o ka nna borai mo botsogong jwa batho. Fa a tswa la gagwe, Dr Kesolofetse Matlhaba o ne a rotloetsa barui mo tikologong go kenta leruo ka nako e nngwefela, a re fa dihutshane dingwe di ka seke di kentwe maiteko a ba ofisi ya matlhoko a leruo a tlaa bo a iteile sefololetse ka jaana bolwetse bo a go tswelela bo jwelelela mo tikologong. O ne gape a ba rotloetsa go nna ba isa dipego tsa dihutshane tse di suleng ka ntlha ya malwetsi mangwe kwa ofising ya bone gore go ba thusa mo go direng dipatlisiso tsa kgolo ya malwetse mo kgaolong le gore a ka laolwa jang. Fa a tswa la gagwe, mongwe wa barui, Rre Kome Matokwane, o ne a iteela legofi kemo nokeng ya puso mo go lwantsheng matlhoko a leruo mo kgaolong ya bone. O ne gwetlha barui ka ene go tsaya dithuto tsa matlhoko a leruo ka tlhoafalo go ka thusa go thibela kanamo ya malwetse a a ka tsogang a ba tlogetse ba iphotlhere. Mo loetong lwa bone, ba ofisi ya matlhoko a leruo ba ne ba kgona go kenta dihutshane di feta dikete tse pedi. BOKHUTLO health 6 ISPAAD e tsweletse kwa Bobonong Modiri wa lephata la temo le leruo kwa Bobonong a re lenaneo la ISPAAD le tsweletse sentle. Rre Moreetsi Mogolo o buile se kwa moletlong o o neng o rulaganyeditswe go abela balemi ba masimo a Bobonong borwa dietsele ka Laboraro (Phalane a tlhola ga tlhano). O gwetlhile balemi go inaakanya le temo monongwaga ka dipego di supa fa pula e le ntsi. Rre Mogolo a re balemi ba tshwanetse go dirisa dipeo tse ba nang le tsone jaaka Sekgwathama le mororo puso e tsweletse ka go ba ema nokeng ka go ba neela peo. O gwetlhile balemi go oketsa ditema tse ba di lemang kwa masimo a tlatsa ka gore bontsi jwa balemi ba kgaolo ya Bobirwa ba tlwaelesegile thata ka go lema diekere tse di nyennyane. Rre Mogolo a re go botlhokwa gore balemi ba tlhatlhobe mmu wa masimo a bone ka seo se ka ba neela sebaka sa go itse gore mmu wa tshimo o tlhoka monontshane wa mofuta ofe gore o kgone go ntsha dijalo tse di nonofileng. A re puso e supile fa balemi ba ba tlhatlhobileng mmu wa ditshimo tsa bone ba tla neelwa menontshane monongwaga. Rre Mogolo a re puso e ikaeletse go thusa balemi ba ba epileng didiba go gokela metsi mo masimong. A re puso e na lenaneo le e thusang balemi go agelela masimo a tlatsa ka go supa fa mo lenaneong leo, molemi a duela bontlha bongwe jwa madi a tereta fa puso yone e duela bontlha jo bongwe. Rre Mogolo o gwetlhile balemi go tsena ditshupo tsa temo le leruo a tlatsa ka gore ditshupo tseo di neela molemi sebaka sa go abelana maele a tokafatso temo ya gagwe le balemi ba bangwe. O supile gape fa ditshupo tseo di neela molemi monyetla wa go ka ipapatsa segolojang fa e le molemi wa mogwebi. Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa masimo a Bobonong borwa, Rre Peter Mavona o ne a re tlhokomelo ya masimo ke balemi e kwa tlase ka jalo a supa fa monontshane wa tshimo e le mong wa yone. Rre Mavona a re molemi wa tlhwatlhwa kana yo o tlhwaafetseng o epa sediba a bo a aga le ntlwana ya boitiketso. A re bontsi jwa Batswana ga ba ise ba kgone go lema dijo tse ba ka itshetsang ka tsone tsa ba tsa jesa lefatshe. Rre Mavona a re sesupo ke gore gangwe le gape bontsi jwa Batswana ba bonwa ba tlola melelwane go ya go reka merogo le maungo kwa South Africa. A re go tswa goo lowe Batswana ba ntse ba dirisa ditonki e bile gape ba na le dijokwe le matege mme mo nakong ya gompieno didirisiwa tseo ga di sa tlhole di le teng ka jalo a supa fa lenaneo la ISPAAD fa le ka emisiwa bontsi jwa Batswana ba tsile go tshelela mo lehumeng. Fa a latlhela la gagwe mothusa modulasetilo wa masimo a Bobonong borwa, Mme Morongwa Oratile o supile fa metsi mo masimong a bone e le kgwetlho ka didiba di kgadile. Mme Oratile o tlhalositse fa bontsi jwa balemi ba tsaya metsi mo Bobonong go ya go nosa leruo. O gwetlhile balemi go naya masimo a bone lerato a tlatsa ka gore tshimo fa o e rata le yone e a go rata ka jalo e go neele dijalo tse di molemo. O kopile balemi go tlhagola masimo a bone. economy_business_and_finance 3 Ba Sefhare-Ramokgonami lela ka lenyora Banni bangwe ba kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami ba ikuetse mo mopalamenteng wa bone ka letlhoko la metsi le dipeba tse di tshwenyang mo metseng ya bone. Mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Dr Kesitegile Gobotswang kwa Sefhare le Moshopha bosheng, banni ba re e setse e le kgwedi ya boraro ba sa bone metsi ka didiba tse di ba nosang di na le mathata. Ba re matlwana a metsi kwa dikoleng le kwa diofising tsa puso ga a dirisiwe ka mathata a letlhoko la metsi. Banni ba ne gape ba lela ka ditsela tse di kopanyang metse ya bone. Ba ile gape ba kopa gore dikgosana tsa tetlanyo di agelwe maobo kwa dikgotlaneng tsa bone. Kwa Sefhare, ba ne ba lela ka mothwa le dipeba tse ba reng di ja dijo tsa bana kwa sekolong se se botlana. Ba re dikago tsa sekole le matlwana a baithuti di mo seemong se se sa jeseng diwelang, le gone gore dipeba di tlaa tsenya bana bolwetse ka di ja dijo tse di apeelwang bana. Ba re lephata la thuto le tsaya lebaka le le leele go shafatsa dikago. Banni ba ne ba lela ka kwelo tlase ya maduo a ditlhatlhabo tsa lekwalo la bosupa ba re ga a jese diwelang. Ba ne ba dumelana le mafoko a mopalamente wa bone a gore a e re fa puso e dira ditshekatsheko tsa go busetsa dikokelwana kwa dikhanseleng gongwe e akanye go busetsa tsamaiso ya metsi a magae kwa dikhanseleng le lephata la water affairs. Ba re lephata la kabo ditsha le lone le kopiwe go tla go tlhalosa gore tiego ya go abela batho ditsha e diilwe ke eng, gape e ya go dirwa leng mo metsing ya bone. Banni gape ba kopa gore sekole sa tiro ya diatla se agiwe mo kgaolong ya bone, e seng sa madirelo a CITF se se kwa Chadibe, kana se godisiwe go tla mo go se ba neng ba se kopile sa Vocational Training Center go akaretsa kgaolo yotlhe. Ka temo ya go gasa le ya ditselana ba ne ba re tsotlhe di siame, mme fela mathata ke gore batho ga ba tlhokomele fa ba sena go lema. Ka kgang ya lenaneo la temo la ISPAAD, Dr Gobotswang a re fela jaaka mananeo a mangwe a a neng a le teng pele le lone le tlaa fela, mme le tlhoka gore balemi ba ipakanyetsa paka eo ka go busetsa dipeo tsa bone tsa tlholego go emisetsa tse ba dineewang ke puso mo nakong eno. A re fa ba sa dire jalo, baya go bapa le masimo ba sa kgone go di reka ka dile tlhwatlhwa kgolo. Mopalamente a re o lemoga fa bontsi jwa batho ba ba lemileng ka ditselana ba simolotse go lela le go itlhoboga ka boleme bo ntse bohibidu fela, a re fa go bonala fa ba ba neng ba lema ka go gasa ba tlaa roba sengwe, a re bao molelo wa mariga batlaa dika ba o orile. Mopalamente Gobotswang a re gongwe ke nako ya gore go seka sekwe gore badirela puso ba berekele kwa magaeng a bone go fokotsa letlhoko la boroko. A re seo gape seka ba thusa gore fa ba tlogela tiro ba bo ba ikagetse le go itirela matshelo a a ka ba kgontshang go tshela morago ga tiro. Fa ba akgela, banni ba ne ba supa fa ba dumelana le mopalamente ka dikakanyo tsa gagwe tse dika tlhabololang kgaolo ya bone, mme fela ba ganana le ene gore badirelapuso ba direle kwa metseng ya bone ba re seo seka rotloetsa semorafe. politics 7 Batswana ba kgothadiwa go somarela metsi Tona wa lephata la Meepo, Kgotetso le Metsi , Rre Kitso Mokaila, o boletse fa ele boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go dirisa metsi ka kelelelo. Tona Mokaila, yo e bileng ele mopalamente wa kgaolo ya Borolong, o buile jalo fa ane a abela dikole tse dipotlana tsa St. James, Flowertown le Nthompe Koma mo Mahalapye dimpho tsa go bo ele dingwe tsa maphata a a dirisang metsi sentle mo kgaolong ya Mahalapye fa go tshwantshanngwa le a mangwe. A re gobo dikole tseo di didirisa metsi sentle ka go a somarela, lephata la gagwe le ne la bona gole matshwanedi go di abela ditsompelo tse di ka dirisiwang ke bana ba sekolo go ithuta, di akaretsa disutlho le dipensele, ele maiteko a lephata la gagwe go rotloetsa baithuti ba dikole tseo le barutabana gammogo le Batswana ka kakaretso go dirisa metsi ka kelelelo. E rile Rre Mokaila a itebaganya le baithuti ka sebele, a ba kgothatsa go tlhwaafalela dithuto tsa bone le go ikgapha mo ditirong tse di ka ba gogelang mo thaelong jaaka go nwa majalwa le go goga motsoko. A re ele baemedi ba setshaba kwa palamenteng, ba tshwentswe thata ke maduo a sa itumediseng a dikole tse dipotlana le tse dikgolwane a a welang kwa tlase ngwaga le ngwaga. E rile mogokgo wa sekole sa St. James, Mme Gasenone Tefhelo a tswa la gagwe, a lebogela tona Mokaila le badiri ba lephata la gagwe gobo ba abetse dikole dimpho segolo jang ka nako e puso e sa ntseng e lebanwe ke dikgwetlho tsa go tlhaelelwa ke madi a go ka reka didirisiwa di tshwana le dibuka le tse dingwe. Mme Tefhelo o tlhalositse fa ele maikemisetso a barutabana le baithuti ba sekole seo go tswelela ka go dira sentle mo dithutong segolo jang mo ditlhatlhobong tsa lokwalo lwa bosupa. A re dithuto tsa bana di ka nna le maduo a nametsang fa gona le tshwaragano fa gare ga batsadi, barutabana, baithuti le makgotla a batsadi le barutabana, ka go nna ba etela mo dikoleng goya go bona ka fa bana ba tsweletseng ka teng mo dithutong, gona le go baya maikarabelo otlhe mo barutabaneng ntswa batsadi ele bone ba nnang lebaka le le leele le bana kwa malwapeng. Rre Mokaila o mo loetong la malatsi a mabedi go tlhalosetsa le go ruta banni ba Mahalapye ka ditiro tsa lephata la gagwe. O ne a patilwe ke mopalamente wa kgaolo, Rre Bernard Bolele le bagolwane ba maphata a puso le khansele. education 4 Ba abetswe kara le ditonki tse pedi Khansele-potlana ya Mogoditshane-Thamaga e rile ka Labobedi ya abela ba lelwapa loora Borokgwe kwa Ramasenyane karaki ya ditonki le ditonki tse pedi. Fa a bua mo moletlong wa go aba dimpho tseo, modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Jeffery Sibisibi o boletse fa mpho eo e abetswe ba lelwapa leo morago ga gore khansele e amogele dipego tsa ka fa batho ba masimo a Ramasenyane ba tshelang ka teng. Khansele-potlana ya Mogoditshane-Thamaga e ne ya dira gore letsatsi la boitekanelo le kopane le la go supa bopelotlhomogi mme ba bona gore ba le keteke mo masimong a Ramasenyane. Rre Sibisibi o boletse fa mokhanselara wa kgaolo, Rre Mmolotsi Phatsime a ne a sa mo robatse ka dikgang tse di amang batho ba Ramasenyane, mme o ne a etela kgaolo a patilwe ke molaodi. O tlhalositse fa morago ba ne ba kopana, ba thulanya ditlhogo gore ba ka thusa jang, mme komiti ya khansele-potlana ya Mogoditshane-Thamaga ya boitekanelo ya tswa ka mogopolo wa go keteka letsatsi la botsogo le bopelotlhomogi ko masimong ao. Rre Sibisibi o ne a re go nna teng ga bone mo masimong ao, ke sesupo sa gore puso e kgathala ka matshelo a bone, ka jalo, ba seka ba tlelwa ke mowa wa go itlhoboga. Mo go tse dingwe, Rre Sibisibi o ne a gakolola batho ba lefelo leo fa e santse e le masimo, go ise go tlhomamisiwe go nna motsana. O ba gakolotse fa go na le dikgato tse di tshwanetseng tsa salwa morago gore masimo a bone a felele a tlhomamisitswe gore ke motsana, mme e bo e le gone ba ka bonang ditlamelo tse di tshwanang le dikole. Modulasetilo wa khansele o ne gape a supa matshwenyego ka dipego tsa gore bana ga ba isiwe dikoleng. A re go dira jalo ke tlolo molao ka bana ba na le tshwanelo ya go ithuta. O ba gakolotse go isa bana dikoleng, segolo bogolo ka thuto ya mono e santse e duelelwa ke puso. Fa a amogela baeng, Kgosi Montshwarinyana Gaoforwe o ne a supa fa ba na le matshwenyego a le mantsi mo masimong a bone. Matshwenyego a a akaretsa bana ba ba sa tseneng sekole, batho ba ba senang dikarata tsa Omang ntswa dingwaga tsa bone di letla, le letlhoko ka kakaretso mo e bileng batho ba sa aga matlo a a bonalang. Kgosi o ne a supa gape fa ba na le ba-na-le bogole ba le palonyana, a supa fa ba tlhoka ditlamelo. O ne gape a re banana ba bolawa ke go tsamaya tsela ya Thamaga ba batla mananeo mme ga go na nko e e tswang lemina. Kokelwana ya masimo ao gape go ne ga bolelwa e ne e se mo seemong se se siameng, ka jalo balwetse ba patelesega go ya Thamaga. society 9 Babereki ba tlaa gagamalediwa setoropo Mogokaganyi wa lenaneo la Ipelegeng kwa khanseleng-potlana ya Mahalapye Rre Eric Sephetsolo a re babereki ba Ipelegeng ba ba adimang tshwene marapo ba tlaa kgaolelwa dituelo. O tlhalositse jalo a rola pego ya ditiro tsa lenaneo la Ipelegeng mo phuthegong ya khansele-potlana ya Mahalapye bosheng, a supa fa a tshwentswe thata ke babereki ba Ipelegeng ba ba boitseme. Rre Sephetsolo are go a tshwenya go bona bangwe ba sa tsee tiro ya bone ka tlhwaafalo. A re seo se a tshwenya ka gore ba ba dirang jalo ba felela ba duelwa mahala ba sa dira tiro ka jalo seemo seo se senya madi a puso le go kgoreletsa maikaelelo a lenaneo le. Rre Sephetsolo a re ba lemogile gore bangwe ba na le mokgwa wa go itshupa kwa mmerekong ba lebagantse nako ya dijo e re morago ba boele malwapeng, fa bangwe bone ba kgona go tlodisa sebaka sa beke ba sa theogele. Re lemogile seemo se, ka jalo re tsile go simolola go kgaolela batho ba mohuta o madi ka ba sa diragatsa tumalano ya phiro, ga tlhalosa Rre Sephetsolo. O kgaphetse ntle magatwe a gore selo se se ka tswa se bakwa ke tlhaelo ya didirisiwa. Rre Sephetsolo a re se ba se bonang mo mosepeleng ba ntse ba lekola lenaneo, ke gore mo mafelong mangwe o tlaa fitlhela badiri ba sa bereke ba namile maoto ba bapile le digarawe, selo se se rurifatsang gore bokoa bo mo badiring e seng gore ba tlhaelelwa ke dirisiwa. E rile a tsibogela pego ya Ipelegeng, mokhanselara wa Sefhare Rre Mothusi Sedimo a gatelela mafoko a mogokaganyi wa Ipelegeng a supa fa le ene a tshwentswe thata ke badiri bangwe ba lenaneo la Ipelegeng ba ba boitseme. Mokhanselara Sedimo are seemo seo, se a tshwenya ka jalo o kopile batsaa karolo ba ba farologanyeng ba akaretsa badirela puso le dikgosi go thusa ka go tsenya leitlho lenaneo la Ipelegeng go netefatsa gore tiro e a dirwa. Fa a bula phuthego ya khansele potlana, modulasetilo Rre Tassman Cebani o supile gore lefatshe leno le supilwe fa le aperwe ke leuba la tlhaelo ya dijo tse di tswang mo temong ka jalo seemo seo se tshwanetse go tsibogelwa. Ka maiteko a go itepatepanya le seemo se, Rre Cebani a re badiri ba ba thapiwang kgwedi le kgwedi ba Ipelegeng mo khanseleng-potlana ya Mahalapye ba okeditswe ka 284 go nna 4 039 go simolola ka kgwedi ya Phatwe mono ngwaga. Mo godimo ga moo, Rre Cebani a re khansele e okeleditswe madi a go tsamaisa lenaneo le, le go reka didirisiwa. Mo go tse dingwe tsa ditiro tsa ditlhabololo, mokhanselara yo o itlhophetsweng wa kgaolo ya Shoshong, Rre Keletso Phatedi o gwetlhile khansele go tsenya leitlho le le nchocho mo dikomponeng tse di abelwang dithendara di tshwana tsa go dira ditsela le metshelakgabo go tlhomamisa fa ba dira tiro ka botlalo. Mokhanselara Phatedi a re ba ba dirang ba sa itsolopanya ba lopiwe go dira tiro gape ka boleng jo bo dumelanweng go itsa go tshamekisa madi a puso mo dilong tse e seng tsa sennela ruri. E rile a itebaganya le tsa bophepa jwa tikologo, Rre Phatedi o supile fa seemo sa leswe mo Mahalapye e le se se sa jeseng diwelang ka batho ba latlhela matlakala mo mafelong a a sa tshwanelang. A re bangwe ba latlhela matlakala mo sekgweng fa bangwe ba a latlhela fa thoko ga tsela, ka jalo a lopa gore seemo se se tsibogelwe go tsosolosa serodumo sa motse. Rre Cebani le ene o supile mo pegong ya gagwe gore le fa go na le mafelo a a kailweng go latlhela matlakala, batho ba latlhela matlakala gongwe le gongwe le gore seemo seo se amile thata motse wa Mahalapye. O supile gore se se lemogilweng ke gore matlakala a a leswafatsang motse a latlhelwa mo thoko ga ditsela bosigo le ka mafelo a beke. O kopile bogogi jwa khansele le makhanselara go tsibogela seemo se ka go rotloetsa morafe le dikompone kana bagwebi go tlotla tikologo ka go e phepafatsa. Bokhutlo society 9 Tsayang thuto ya bana tsia Banni ba Sedie ba kopilwe go tsaya thuto ya bana ba bone tsia ka thuto e e ka tlhabolola botshelo jwa motho. Se se builwe bosheng ke mogokgo wa sekole se sebotlana sa Mathiba Rre Noah Kebafitlhetse mo phuthegong ya batsadi le barutabana. Rre Kebafitlhetse o kaile fa go le botlhokwa gore batsadi ba tsee thuto ya bana tsia ka gore seo se ka rotloetsa bana le bone go e tsaya ka tlhoafalo. A re batsadi ba ga ba a tshwanela go baya fela mo barutabaneng. O kopile batsadi go tlhokomela dibuka tsa bana, go lomagana le barutabana ba bana ba bone le gone go duela madi a ditlhabololo magareng ga tse dingwe. Mogokgo o tlhalositse fa puso e dirisa madi a mantsi go reka dibuka tsa bana le didirisiwa tse dingwe tsa thuto, ka jalo batsadi ba tshwanetse ba thusa. A re ba kopana le dikgang tsa bana ba ba tsenang ka lenga la seloko morago ga go fiwa dibuka, mme seo e nne tatlhegelo e tona mo pusong. Rre Kebafitlhetse a re tirisanommogo magareng ga morutabana le motsadi ke yone e e ka dirang gore go kgonwe maikaelelo a tokafatso maduo a bana. O kaile fa batsadi ba tshwanetse ba rurifatsa gore bana ba bone ba goroga kwa sekoleng. A re ba tle ba amogele dikgang tsa bana ba ba emelelang kwa malwapeng ba re ba ya sekoleng mme ba ikele go sele. Mogokgo o kaile fa bana ba sekole ba ba dirang sentle ba felela ba tswelela sentle le botshelo, mme seo se fokotse dipalo tsa dirukutlhi tse di sa robatseng botsadi le mapodisi. “Go na le sekgwa fa gare ga sekole sa rona le se segolwane sa Sedie, ga twe bana ba rona ba tlhola ba iphitlhile mo go sone ba sa tle dithutong. Go kaiwa fa batsadi bangwe ba itse ka seo mme ga ba re begele sepe,” ga bua mogokgo. Rre Kebafitlhetse o ne gape a gakolola batsadi go bona gore ba bua eng ka morutabana fa pele ga bana, ka gore bana ba sekole ba nna ba ba bolelela tse di buiwang ke batsadi ka bone, a kaya fa seo se sa siama ka se ka senya botsalano jwa bone le batsadi. Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole se segolwane sa Sedie, Mme Senatla Mokobela o ne a iteela mafoko ao moroko, a kaya fa go tlhoka go tlhokomelwa ga dithoto tsa sekole, bogolo jang dibuka, go tshwenya mo dikoleng ka bontsi. Mme Mokobela o ne a rotloetsa batsadi go nna ba lebelela dibuka tsa bana fa ba tswa sekoleng go bona gore ba dira jang mo dithutong. O kopile batsadi go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana, ka di ba fa sebaka sa go ntsha megopolo e e ka thusang go tlhabolola thuto ya bana le gone go ba thusa go rotloetsa botsalano fa gare ga bone le barutabana. “Kgolagano fa gare ga lona le barutabana ke yone fela e e ka solegelang bana ba lona molemo, mme fela seo se ka kgonagala fa le ka tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana,” a tlhalosa. BOKHUTLO education 4 Letsema le thata ka mong Baphaleng kwa Shoshong ba gakolotswe go tshwaragana le kgosi wa bone go senola le go tlotlomatsa ditso tsa bone. Mafoko ao a builwe ke mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele, kwa moletlong wa go tlhoma Kgosi Augustine Monamodi kwa Shoshong ka Matlhatso. A re go botlhokwa gore morafe wa Baphaleng o tshwaragane le Kgosi Monamodi go sireletsa ditso tsa one. A re tiriso ya maranyane e ka thusa thata gore ba kgone go amogana kitso ee ka thusang Kgosi Monamodi go bopa morafe oo nonofileng e bile o ikgantsha ka ngwao ya one. “Kgosi o tlhoka kemonokeng ya ba ba itseng go dira dipatlisiso le ba ba itseng ditso tsa morafe wa Baphaleng gore a kgone go tsepama mo tirong ya gagwe ya go etelela morafe,” ga tlhalosa Rre Makgalemele. Rre Makgalemele, yo gape eleng mothusa tona kwa lephateng la Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao, o rotloeditse Kgosi Monamodi go loga maano a go direla morafe. “A Modimo o thuse kgosi ya rona, a kgone go re direla tsotlhe tse a di akantseng go tokafatsa matshelo a Baphaleng.” E rile a rola molaetsa o tswang kwa go mothusa tona kwa lephateng la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso, Rre Makgalemele a re “kgosi ke mmabatho, rramolao le mogakolodi wa morafe, ka jalo o tshwanetse go fiwa tlotlo. Re itumela thata go bona bagolo ba Phaleng ba na le thulaganyo, ya go tlhoma Kgosi go sena dipharologanyo.” Molaetsa wa ga Mme Tshireletso o tlhalositse gore dikgotlhang tse di tsalwang ke go tlhoka motlhala o lolameng wa ba ba tshwanetsweng go amogana setilo sa bogosi o dira gore morafe o phatlalale, o sokola o sena moeteledipele. Molalediwa wa tlotla kwa tirong eo, moemela kgaolo ya Mahalapye kwa Ntlong Ya Dikgosi, Kgosi Tshipe Tshipe o supile gore Kgosi Monamodi ga a mosha mo tirong ya go laola morafe ka gore o berekile ka lebaka e le modirelapuso. “Ga a mosha mo tirong ya boeteledipele, nna ke fano go mo kaela tsela ya go dira tiro ya bogosi,” ga tlhalosa Kgosi Tshipe. Kgosi Tshipe a re tiro ya konokono ee filweng Kgosi Monamodi ke go aga morafe. “Morafe o agiwa ke malwapa. Kgosi o tshwanetse a tlhomamisa gore malwapa a kgotla ya gagwe a bopaganye gore morafe wa gagwe o nonofe, o tshwaragane.” Kgosi Tshipe a re go botlhokwa go nna le kagiso mo malwapeng. A supa fa mo dingwageng tsa maloba morafe o le ka fa tlase ga taolo ya dikgosi go ne go sena boitaolo le tlala. Le fa go na le diphetogo, Kgosi Tshipe o supile gore seo e seka ya nna seipato fa kgosi a palelwa ke go rotloetsa morafe go itirela. O tsweletse a gakolola Kgosi Monamodi go ikaega ka borangwaneagwe le mephato gore tiro ya go etelela morafe e nne bonolo. “Morafe o tshwanetse wa utlwa, wa obamela le go reetsa fa kgosi e epa pitso.” Kgosi Tshipe a re puso e tshwenngwa ke botlhoka-tsebe, a tlatsa ka gore sengwe se se lemogilweng morago ga go dira dipatlisiso tse di neng di eteletswe pele ke Kgosi Puso, ke gore malwapa a dule mo tsamaisong ka jalo bana ba aloga mo malwapeng a sena tsamaiso ee ka ba agang gore ba gole ba na le boikarabelo. A re Kgosi Monamodi le morafe wa Baphaleng ba rwele boikarabelo jwa go ikaga, go rotloetsa mekgwa le ditiro tse di molemo tsa ngwao gore ba kgone go godisa bana ba ba nang le boikarabelo. Mo mafokong a gagwe, Kgosi Monamodi a re o lemoga gore moeteledipele yo o tlhomameng o tshwanetse go dirisana le morafe. “Ke amogela tiro e ke e filweng ya go etelela morafe. Bogosi ke mpho ya Modimo, bo tlhwatlhwa kgolo, mme fa o ka bo lesa bo timela go ile fela jalo. Bagaetsho setilo sa bogosi se a baba, mme fa o tsaletswe go se kotama ga gona kwa o ka se tshabelang teng, ke dumela gore nna le lona re tlaa kgona ka ketelelopele ya Modimo,” ga tlhalosa Kgosi Monamodi. arts_culture_entertainment_and_media 0 Kgotla e tlaa ntsha katlholo ya Setsile Katlholo e mo go yone banni bangwe ba Setsile ba ikuetseng kwa lekgotleng la ditsheko tsa lefatshe kgatlhanong le ditshwetso tse di tserweng ke lekgotlana la kabo-ditsha la Mahalapye e tlaa ntshiwa mo bogaufing. Tsheko eo, e mo go yone banni ba Setsile ba ngongoregelang tshwetso ya go fudusiwa mo ditsheng tse go bolelwang ba di beilwe ke dikgosana le balebeledi ba lefatshe ntleng le tetlelelo ya lekgotlana la kabo ditsha, e ne e tsene kwa kgotleng ya ditsheko tsa ga mmakaseterata kwa Mahalapye. Bangongoregi mo tshekong eo, ke Mme Mmantukuna Thankane, Mme Lesedi Seane, Mme Keataretse Mpitse, Mme Keobonye Olaetse ,Mme Gomotsegang Orateng, Mme Lydia Simon, Rre Mmoniemang Orateng, Rre Cliford Phale, Rre Ketlogetswe Peter le Rre Wahimisa Kanangure. Ba ne ba kopa lekgotla go laela lekgotlana la kabo-ditsha go ba abela ditsha tseo sesha boemong jwa go ba fudusa ka jaana go sena kwa ba ka nnang teng e bile ba sena madi a go aga sesha. Ba re e re le ntswa ba dumela fa ba sa sala tsamaiso ya melawana ya go kopa lefatshe morago, ba kopa gore kgang ya bone e sekasekwe ka jaana ba beilwe ditsha tseo ke magosana le balebeledi ba lefatshe pele ga Setsile a tlhomamisiwa semmuso go nna motse. E rile mmueledi wa lekgotlana la kabo-ditsha Mme Tekanyo Ogotse a tswa la gagwe, a kopa lekgotla la ditsheko go tsholola boikuelo jwa bangongoregi ka jaana ba sa sala tsamaiso ya go abiwa ga lefatshe morago e bile a bolela fa go sena dikgosana dipe le fa e le molebeledi wa lefatshe yo a nang le thata kana tshwanelo ya go abela batho ditsha tsa bonno le masimo, ntleng le makgotlana a kabo-ditsha ka e le one fela a nang le thata ya go neela batho ditlankana. A re e re ntswa batho ba Setsile le kgosana ya bone ga mmogo le balebeledi ba lefatshe ba ne ba tlhalosetswa mo diphuthegong tsa kgotla gore ba seka ba tswelela ka go tlhabolola ditsha tsa bone ka jaana ba ise ba bewe ka fa molaong, bangongoregi ba ne ba itlhokomolosa dikgakololo tsa ba kabo-ditsha ka go tswelela ka ditlhabololo le mororo ba itse fa ba sena ditlankana tsa ditsha tseo. society 9 Nnang sekao mo baneng - Zimona Mogolwane wa moepo wa Khoemacau, Mme Ontitile Zimona, o gwetlhile batsadi go nna sekao mo matshelong a bana ba bone. Mme Zimona o buile se kwa Maun kwa moletlong wa go ipelela dingwaga tse di masome a mararo sekole se segolwane sa Tsodilo se ntse se le teng. Moletlo o, o ne o kopane le kabo dimpho ya baithuti ba ba gaisitseng ba bangwe. Mme Zimona a re go botlhokwa gore batsadi ba rute bana maitsholo a a eletsegang. A re ba tshwanetse go emisa mokgwa wa go tlhakatlhakanya bana ditlhaloganyo ka go ba rekisetsa ditagi. A re mo nakong ya gompieno baithuti ba le bantsi ba lebanywe ke dikgwetlho tsa go sa ithuta ka phuthulogo ka jaana batsadi ba sa ba ema nokeng. Mogolwane wa moepo a re baithuti bangwe ba inaakantse le ditiro tse di ka ba senyetsang bokamoso mme batsadi ga ba kgaleme seo, ka jalo a kopa batsadi go emela bana ba bone ka dinao go thusa barutabana go ba betlela bokamoso. Mme Zimona a re batsadi ba tshwanetse go nna ba etela sekole go lekola barutabana le gone go itse gore bana ba dira jang a re seo se ka thusa go ntsha maduo a a botoka mo sekoleng. O ne a kopa baithuti go ikgapha mo dilong tsotlhe tse di ka ba senyetseng bokamoso. Mogoko wa sekole, Mme Bena Moseki o boletse fa sekole se na le baithuti ba le 1 038, barutabana ba le 80 le badiri ba bangwe ba le 25, a tlhalosa fa ditiro ka bontsi tsa sekole seo ba kgona ka tshwaragano, lerato le neelano. A re ba tlaa dira ka natla go tsweledisa bontle jo sekole se itsiweng ka jone. Mongwe wa baithuti ba ba kileng ba tsena kwa Tsodilo yo gompienong e leng ngaka kwa kokelong ya Princess Marina, Dr Gaerolwe Masheto, a re e ne e le moithuti ka ngwaga wa 1993-1994. O ne a kgothatsa baithuti go tsaya malebela mo go ene mme ba ipolelele gore le bone ba ka kgona. Dr Masheto a re ntswa go ne go le thata ka nako ya bone ba ne ba sa ineele ka jaana ba ne ba itse fa thuto e le konokono. A re baithuti ba pele ba tlaa ithulaganya go bona gore ba ka thusa jang sekole seo gore ba busetse serudumo sa sone. Moithuti yo wa pele a re ka nako ya bone ba ne ba pasa thata. Dr Masheto o ne a fa baithuti mpho ya dikausu tsa sekole di le masome a mane a re di rekilwe ke ba lelwapa la gagwe. society 9 Borre ba tshwanetse go kgalemela ba ba fapogang Borre ba rotloedietswe go kgalemela borre ba bangwe ba ba dirang ditiro tse di fatlhang. Fa a bua la letsatsi la mafatshefatshe la borre le le neng le tshwaretswe kwa Selebi Phikwe ka Laboraro, Rre Desmond Lunga go tswa kwa mokgatlhong wa borre le basimane o o itebagantseng le tekatekano ya bong, a re nako e tsile ya gore borre ba itshupe gore ke banna tia. A re banna tia ke borre ba ba nang le boikarabelo, ba ba itshwarang sentle e bile ba tlotla bomme. Rre Lunga a re go le gantsi borre ba ba sa itshwareng sentle ba fiwa tlotla ke banna ba bangwe go na le borre ba ba itshwarang sentle. O file sekai ka borre ba ba nang le bakapelo ba bantsi a re ba fiwa tlotla go na le ba ba itlotlang ba lebagane le mokapelo a le mongwe. Rre Lunga a re ke nako gore borre ba ba itshwarang sentle ba fiwe tlotla e bile ba lemogwe ka gore ba ka nna sekao mo baneng ba basimane. O kopile banna tia go kgalema le go tsenya borre ba bangwe mo tseleng, a tlatsa ka go re rre yo o ratanang le bana o tshwanetswe go kgalengwa ka o senya leina la borre. A re rre mongwe le mongwe o na le bokgoni jwa go nna monna tia mme go simolola fela kwa lapeng, a nna sekai mo lapeng la gagwe. Rre Lunga o kopile puso go sekaseka kgang ya go fa borre ba ba mo botsetseng malatsi gore ba kgone go thusa bomme go tlamela le go godisa lesea la bone. Mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Kgoberego Nkawana a re rre o tshwanetse go itse gore mme o a tlhokomelwa e bile o a tlotlwa. A re bana ba basimane ba tshwanetse go godisiwa sentle gore ba itse gore ngwana wa mosetsana ga a ntshiwe lebadi. Mogokaganyi mogolo wa lekgotla la borre, Rre Nonofo Leteane a re le fa borre le basimane ba na le boleng mo setshabeng, ga go ise go lekane ka gore lefatshe leno le santse le lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le mogare wa HIV/AIDS, go iphetisa dino, malwetse a dikobo, kgokgontsho ya bomme le bana ga mmogo le marato a bagolo le bana. Rre Leteane a re go fetola boitshwaro ga borre le gone e santse e le kgwetlho. A re ba tshwanetse go emela dikgang tsa mofuta o ka dinao, go itshupa fa e le ditlhogo tsa malwapa. O rotloeditse borre go nna borre ba ba pharologanyo, ba ba dirang dilo ka pharologanyo e bile ba ka kaiwa fa e le beng ba lefatshe, ba ba nang le boitshwaro. education 4 Nyalo e tshwanetse go tlhomamisiwa Tona wa tsa Pereko le Selegae, Rre Edwin Batshu, o rotloeditse Batswana go tsena mo nyalong e e tlhomamisitsweng ka fa molaong. Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Moremaoto ka bosheng, Rre Batshu a re lefatshe leno le lemoga dinyalo tse pedi, ebong ya Setswana e e rurifadiwang ke kgosi le nyalo ya kwa ga molaodi fela. Tona o tlhagisitse fa go tsena mo dinyalong tse di sa lemogiweng ke molao go ka dira dikgogakgogano bogolo jang fa mongwe a hulara mme se se dire gore bana ba sale ba sotlega. Rre Batshu o gakolotse gore nyalo ke thulaganyo ya Modimo ka jalo a e tlotliwe. O ne a tlhalosetsa banni ba Moremaoto fa go na le lekgotla la Re a Nyalana le le trotloetsang batho ba ba sa bolong go nna mmogo go nyalana kgotsa go rurifatsa manyalo a bone. “Fa o le mo nyalong e e sa rurifadiwang ga o a sireletsega ka fa molaong” tona,Rre Batshu a tlhagisa. Rre Batshu o ne a kopa Batswana go ntsha matlho mo dikgapheng ka a re go na le dinyalo tse di fatlhang, tse batswakwa ba batlang go nyala Batswana go bona boagedi fela. “Segolo bogolo ba ba tlhokafaletsweng ke borre ke bone ba ba tsomiwang ke batswakwa ba.” Bontsi ba dinyalo tseo go tlhakanelwa dithoto. Rre Batshu o gakolotse bana ba ba nang le boagedi jo bobedi go itlhotlhora boagedi jo bongwe fa ba nna le dingwaga tse di masome a mabedi le bongwe. O tlhalositse fa lefatshe leno le sa letlelele boagedi jo bo fetang bongwe mo mothong yo o dingwaga tse di fetang masome a mabedi le bongwe. Kgosi Michael Masheto wa motse oo, o tlhalositse fa seemo sa matlwana a boitiketso kwa sekoleng se sebotlana se le diphatsa, a re a magologolo fela thata.Modulasetilo wa komiti ya dithabololo tsa motse,Rre Tikologo Manchedu, yo le ene a supileng fa seemo sa matlwana a boitiketso a le borai mo baithuting, o supile fa go na le tlhaelo e tona ya boroko jwa badirelapuso. Rre Manchedu o ne supa fa seemo sa motshelakgabo o ba o dirisang mo nokeng ya Boteti se baya matshelo a batho mo diphatseng fa noka e ela,e bile seemo se ka ama bojanala.Bokhutlo religion_and_belief 8 Somarelang ditsha - Mabiletsa Mopalamente wa kgaolo ya Kgatleng Botlhaba o kopile banni ba Mmathubudukwane go emisa go rekisa ditsha ka jaana lefatshe le seo mo kgaolong ya bone. E rile Rre Isaac Mabiletsa a buisa phuthego ka Mosupologo Ngwanaatsele a tlhola lesome le borobabobedi kwa motseng oo, a supa fa lekgotla la kabo ditsha le sa jesiwe diwelang ke thekiso ya ditsha mo kgaolong eo. Mopalamente o ne a iteela kobo moroko mafoko a ga Kgosi Balebetse yo e rileng mo kamogelong ya gagwe a ntsha matshenyego a go aba ditsha sesolo ga Bakgatla. Kgosi le mopalamente ba nnile moono o le mongwe gore Batswana ba tshwanetse go somarela ditsha tse ba di newang ke ba kabo ditsha gore ba direle bana ba bone bokamoso. Ba re se se utlwisang botlhoko le go feta ke banana ba ba rekisang ditsha tsa bone fa go le thata, mme ere morago ba boe ba kope go fiwa lefatshe gape. Kgosi Balebetse a re bangwe ga ba tlhabolole ditsha tsa bone; mme ere morago ba kabo ditsha ba ba bileditse fa pele ga lekgotla go tlhalosa mathata a bone e nne e kete ba a tshwenngwa. O ne a ba kopa gore ba tlhabolole ditsha tsa bone ka nako gore di seka tsa felela di tsewa; e bile go di rekisa go ka se ba sologele molemo. Mopalamente Mabiletsa le ene o ne a kopa banana go ela tlhoko gore ga ba rekise lefatshe le ba le abetsweng ka seo se ka ba ba baya ka fa mosing mo isagong. Mme Lemme Kgafela o ne a tlhalosa fa ba na le mathata a motlhaba mo kgaolong ya bone. Rre Phetogo Magogodi e ne a re le fa go le thata jang, ga a dumelane le gore motho o ka rekisa setsha sa gagwe go ikinola mo mathateng ka jaana a senyetsa bana ba gagwe bokamoso. A re o dumela gore puso e na le seabe mo go rekiseng lefatshe ka jaana gole motlhofo gore motho o ka reka lefatshe ntswa go dirwa jalo go iphithilwe ka monwana. Rre Magogodi a re o kopa gore go dirwe molao o o kganelang batho go rekisa motlhofo ditsha tsa bone go babalela lefatshe le le setseng e bile le sa bonale mo bogompienong. BOKHUTLO society 9 Lephata le araba selelo sa makhanselara Makhanselara a kgaolo potlana ya Tutume a boleletswe fa lephata la botsogo le tla a aga ntlo ya borobalo ya balwetse go araba selelo sa batho ba kgaolo potlana eo. Seo se builwe ke mothusa mokwaledi mogolo wa khansele potlana, Rre Lawrence Mazinyane fa a araba tshutiso ya mokhanselara wa Tutume Legare, Rre Moseki Mathodi yo o neng a kopile gore ke eng bogolo go sa agiwe kamore e e tla thusang go fokotsa mosuke kwa matlong a borobalo a balwetsi kwa kokelong eo. Rre Mazinyane o tlhalositse fa ba botsogo ba ikaeletse go aga kamore eo morago ga go lemoga fa go aga kokelo go ka tsaya nako e ntsi mme balwetsi bone ba sokola. Mokhanselara Mathodi o supile fa ba sa bolo go lela ka borobalo jwa balwetse mme go se nko e e tswang lemina, a re tota seemo sa kokelo eo ga se ba jese di welang gotlhelele, jalo o kopile gore ba botsogo ba se potlakele. Mokhanselara wa Tshwaane/Malelejwa, Rre Richard Sikwane o kopile khansele go aga motshelakgabo mo tseleng ya Sowa/Tshwaane, a tlhalosa gore ka nako tsa dipula batho ba kgaolo eo ba a sokola ka bangwe ga ba tseye kalafi ka ditlamelo ka bontsi di kwa moseja wa motse wa bone. Rre Sikwane a re seemo seo se tshwenya thata gonne ka nako ya merwalela, batho ba felela ba thusiwa ka sefofane sa tlhootomo. Fa a fa bogakolodi, Rre Mazinyane o boletse fa ba itse ka matshwenyego a Tshwaane/Malelejwa, ka jalo khansele ya toropo ya Sowa e ikaeletse go aga motshelakgabo mo nokeng ya Mosetsetshwaane go thusa batho ba kgaolwana eo. BOKHUTLO society 9 Tiriso ya nnotagi le diritibatsi e a tshwenya Kgosi Justice Motlhalane wa Sese a re o tshwenngwa ke dikgang tsa nnotagi le diritibatsi tse di golelang pele mo motseng wa gagwe. Kgosi Motlhalane o tlhalositse mo potsolosong gore kgotla ya gagwe e tsweletse ka go amogela dikgang tsa melato e e diragalang batho ba itshietse. O kaile fa melato e mentsi jaaka go lwa, go tlhapatsa, go tshosetsa ba bangwe matshelo le go lwela bakapelo, e diragala thata fa batho ba setse ba itshietse nnotagi jalo a kopa morafe go ikgapha. A re le ntswa puso e dira maiteko a go tlhabolola matshelo a Batswana, bangwe ba tsweletse ka go ikgatholosa mananeo, mme ba inaakantse le nnotagi gammogo le diritibatsi. O boletse fa banana ba motse wa gagwe ba ganelela mo dipotong le dibara. A re le diphuthego tsa kgotla ga ba di tsene ka ba okiwa ke diletso tsa ko dibareng. A re bangwe batsadi ba tsogela kwa marekisetsong a nnotagi ba itlhokomolosa maikarabelo a bone mo malwapeng. A re fa motsadi a le mo tirisong ya nnotagi ga a kgone go tshwenyega gore a bana ba jele kana ba ile sekolong, selo se se feletsang se ama maduo a bana. A re bangwe fa ba sena go nwa bojalwa ba lwantsha ba bangwe ba felele ba bolaana. Rre Motlhalane a re motokwane o dirisiwa thata mo motseng wa gagwe mme ba sa itse ko o tsewang teng. Go sa le foo, Kgosi Motlhalane o kaile fa a tshwentswe gape ke boimana jwa baithuti. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Thuto boswa jwa bana - Gaborone Batsadi ba tgakolotswe fa thuto ya bana e sa lebaganngwa fela le barutabana, mme puso le batsadi ba tshwanetse go nna le seabe mo go yone. Rre Olebile Gaborone o buile se mo kgotleng ya Borakalalo kwa Molepolole bosheng. Rre Gaborone, yo eleng mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo ya magae, a re seabe sa batsadi mo thutong ya bana ba bone ga se fela go ba rekela dilwana tsa sekolo le go duela madi mme ba tshwnaetse go nna le seabe se se bonalang nako tshotlhe go kgatlhega go itse ka fa ngwana a dirang ka teng kwa sekolong. O rotloeditse batsadi go nna ba etela sekole go lekola maduo a bana, a re seo ga se dire fela gore go nne le tirisano mmogo fa gare ga batsadi le barutabana mme go dira gore batsadi ba kgone go lemoga dikgwetlho tse barutabana ba lebaganeng le tsone. Rre Gaborone o tsweletse a re seabe sa puso sone ke go netefatsa fa fa dikago tsa dikole di le mo seemong se se siametseng dithuto. A re seabe sa barutabana se tshwanetse sa supagala le kwa ntle ga sekole gore ba kgone go itse ka fa baithuti ba tshelang ka teng. O supile fa seemo se se sa jeseng diwelang sa sekolo sa Borakakalalo se tla lebelelwa. Go le pele Mme Banyanabotlhe Baatweng mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse o ne a ngongoregile ka seemo se se maswe sa dikago mo sekolong seo a re se tswhanetse go baakanngwa, sengwe se se boeletsweng ke sebui sengwe le sengwe. Mo go tse dingwe Rre Gaborone o kopile setshaba go nna podi matseba go thibela borukutlhi, segolo jang mo dilwaneng tsa puso jaaka dikoloi tse gantsi di dirisiwang botlhaswa. A tlatsa ka gore tshenyetso setshaba fa e sa tsewe tsia, e kgona go phutlhamisa itsholelo ya lefatshe.] Mme Ruth Radibe, mookamedi wa tshireletso matshelo, o boleletse batsadi fa molao wa bana wa 2009 o sa rotloetse botlhoka tsebe jwa ngwana jaaka bangwe ba akanya, mme o diretswe go sireletsa ngwana. Mme Radibe a re batho bangwe ba ne ba ngongorega ba re ga aba kgone le go kgalemela bana ka bana ba ba tshosetsa ka molao. O tsweletse a re molao o letlelela kgalemo ya ngwana fela fa e sa supe kgokgontsho gope. O tladitse ka gore nngwe ya dilo tse molao wa bana o di letlelelang ke gore ngwana o nale tshwanelo ya go itse batsadi ba gagwe boo-babedi le fa ntswa ba ka tswa ba sa nyalana. A re se se ka thusa fa ngwana a nale bolwetse jo bo batlang gore a abelewe serwe ka go ka batlisisiswa ba masika go bona yo o ka kgonang go aba. BOKHUTLO education 4 Banni ba betla tsela go ya moletlong wa boipuso Banni ba Tsamaya ba itomile molomo wa tlase go tlhomamisa gore moletlo wa boipuso wa monongwaga e nna o o faphegileng. Mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe bosheng, go supagetse fa e le toro e kgolo ya banni go bona moletlo wa monongwaga o nna pharologanyo mo go yotlhe e e kileng ya tshwarwa. Keletso e, e tlhotlheleditswe ke go bo lefatshe leno le tlaa bo le ipelela dingwaga tse di masome matlhano le ntse le ipusa ka kagiso, selo se ka bosone e leng phitlhelelo e tona. E ne yare a bula phuthego eo, mongwe wa magosana a motse oo Kgosi Fordson Sigwele a kgothatsa morafe go goga mmogo, a re ke fela go dira ka mowa o le mongwe mo go ka tlhomamisang gore boipuso jwa monongwaga e nna jo bo tlaa sekeng bo lebalesege. Kgosi Sigwele, yo o neng a lebogela mowa wa popagano o o neng o rena ka nako ya fa go baakanyediwa go amogela molelo wa kgolagano, o ne a supa fa a na le tsholofelo ya fa mowa o montle oo tlaa tswelela go ya kwa boipusong. Modulasetilo wa komiti e e baakanyetsang boipuso, Mme Angelinah Siwawa, ene o ne a rurifaletsa morafe gore le mororo go na le dikgwetlho tse di farologanyeng tse komiti e mekamekaneng le tsone, ba ikiteile sehuba go seke ba swabisa morafe ka gope. O ne a supa fa mo nakong eno ba tlhobaediwa ke letlhoko la madi le go sa tsibogeleng go thusa komiti ga banni ba Tsamaya, mme o ne a ikuela mo go botlhe go ema komiti nokeng. Mme Siwawa o gwetlhile banni go lemoga fa boipuso jwa monongwaga bo le pharologanyo ka e se tiro ya letsatsi le le lengwe lone la boipuso fela, mme bo na le metseletsele ya ditiragalo e e tlang pele ga letsatsi leo e akaretsa molelo wa kgolagano o o setseng o fetile ka motse oo. A re ka ntlha ya se, botlhe ba tshwanetse ba lemoga botlhokwa le bogolo jwa meletlo ya ipelo ya monongwaga. Sebui se sengwe, Rre Skhosana Letsholathebe o ne a gakolola banni ba Tsamaya go rata lefatshe la gaabo, ga mmogo le go supa lerato leo ka ditiro. O kgothaditse banni go emela ka dinao katlego ya moletlo wa boipuso, a re seo e tlaa bo e le tsela nngwe ya go supa fa ba lebogela le go itumelela ledula le ba tshelelang mo go lone mo lefatsheng leno. Mo kakgelong ya gagwe, Kgosi Gunny Moses wa Monarch kwa Francistown, a bile a le monni wa Tsamaya o ne a itela mo morafeng wa gaabo go goga mmogo le go fedisa mokgwa wa go kubetsana le go gogagogana, a tlhalosa fa seo se ka tsenya motse mhoholela. O gateletse gape botlhokwa jwa go sa kgapheleng kwa thoko badirelapuso ba pele, a ikuela mo baeteledingpele ba motse go dirisa dikitso tse di farologanyeng tse batho ba go nna jalo ba nang natso go godisa le go tlhabolola motse. Kgosi Moses o ne gape a bua a menne phatla ka tiriso botlhaswa ya nnotagi ke banana ba motse, a re mokgwa oo o setse o tlhofofaditse seriti sa motse wa Tsamaya fela thata. O ne a gwetlha batsadi go gagamatsa setoropo kwa malwapeng go fedisa seemo se se sa eletsegeng se. Fa a akgela, monni yo mongwe Rre Sekopo Mosinga o ne a tlhomamisetsa batsayakarolo ba phuthego eo fa a tlaa buisana le banana ba ba neng ba sa kgona go tsena phuthego eo go batla methale e ka yone ba ka tsenyang letsogo mo dipaakanyong. O ne gape a bolela fa ene le bangwe ka ene ba le babedi ba setse ba kile ba thulanya ditlhogo mme ba dumalane fa ba tlaa ntshetsa moletlo wa boipuso madi a a kanang ka P10 000. politics 7 Thuto ka tsa tlhakanelo dikobo e botlhokwa Mokwaledi wa khansele ya Ghanzi, Rre Odirile Mabaila a re thuto ka tlhakanelo dikobo e ka nna tharabololo ya mathata ka bontsi. Fa a bua kwa pitsong ya botsogo e e neng e rulagantswe ke lekgotla la Ghanzi la borre ‘Men Sector’ bosheng, Rre Mabaila o tlhalositse fa batho ka bontsi ba sena kitso ka tlhakanelo dikobo. “Re tshola bana, re ba rute gore go lengwa jang, gore leina la gagwe le kwalwa jang, gore kgomo e gangwa jang mme ga re ba rute ka tlhakanelo dikobo.” A re se se dira gore ba gole ba sena kitso ka tlhakanelo dikobo, mme ba patelesege go ‘itshebatshebela’ go leka go batla kitso ka tlhakanelo dikobo. A re bangwe ba kopane le ditsala go ba ruta tlhakanelo dikobo, bangwe ba tshwanelwa ke go lebelela dibaesekopo, ba bale dibuka fa ba bangwe ba lekeletsa e ntse e le maiteko a go senka kitso ka tlhakanelo dikobo. A re se se bo se dira gore motho a tshele a sena kitso e e tletseng ka tlhakanelo dikobo. Mo godimo ga go atisa malwetse, Rre Mabaila a re go tlhoka kitso ka tlhakanelo dikobo go tsisa dikgotlhang le tlhakatlhakano e bile ke gone go senyang manyalo le botsalano ka bontsi. A re banna ka bontsi ba rata go bua ka tlhakanelo dikobo ba sena kitso ka yone e bile ba kgona go e amanya le dilo tse di sa amaneng nayo. Rre Mabaila a re ntswa Modimo o tlhodile tlhakanelo dikobo go dirwa ke banyalani gore malwapa a bone a ate, mo malatsing ano ga go sa tlhole go ntse jalo. Ka ntlha ya go tlhakatlhakana ga thulaganyo ya tlhakanelo dikobo, a re malwetse a tlhakanelo dikobo a mantsi e bile madi a le mantsi a puso e kabong e a dirisa mo ditlhabololong a dirisiwa go lwantsha malwetse a tlhakanelo dikobo. Mathata a mangwe, a re ke gore borre ga ba itse gore go na le pharologanyo fa gare ga mme le rre fa go tla mo tlhakanelong dikobong. O ne a tlhalosa gore fa rre a lapile keletso ya tlhakanelo dikobo e nna e le teng mme fa mme a lapile keletso eo ga e nne teng. A re dikgang tsa kgokgontsho di dirwa ke gore rre ga a tlhaloganye mme. O ne a kopa borre go kgathala ka botsogo jwa bone, bogolo jang jwa tlhakanelo dikobo, a ba tlhagisa gore malwetse a a tshwanang le jwa sukiri, go nona mo go feteletseng le go tlhoka go itshidila mmele go ka ama botsogo jwa bone jwa tlhakanelo dikobo. BOKHUTLO health 6 Tlhokomelang masimo - Ralotsia Tona wa tlhabololo temo-thuo le dijo, Rre Patrick Ralotsia o ngongoregile ka balemi ba ba itlhokomolositseng masimo morago ga go a lema ka thuso ya puso. Tona, yo gape e leng mopalamente wa Kanye Bokone, o buile jalo fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Ntlhantlhe le Lekgolobotlo bosheng. Rre Ralotsia o boletse fa puso e dirisitse madi a mantsi go thusa Batswana go lema mahala gore ba ntshe dijo go itshetsa. O boletse fa puso e ntshitse mananeo a temo-thuo go balelwa a go fiwa dipeo, monontshane, go bolaya mhero le go lemelwa ka madi a mantsi a a ka bong a dira ditlhabololo dingwe. A re balemi ba tlogela masimo ba sa a tlhokomele, fa bangwe ba lesa mhero o bolaya dijalo. O boletse fa batho ba tlogela fela ka gore ba fiwa mananeo ao mahala. Rre Ralotsia o boletse fa balemi ngwagatlola ba ne ba lela ka letlhoko la pula mme jaanong e nele mme ga ba tlhokomele masimo. Bangwe ba tlogela ba ya Ipelegeng. O tlhalositse fa puso e ntshitse melemo e e bolayang mhero mahala mme balemi ba itlhokomolositse fela. O ba tlhagisitse gore maikaelelo a bone e le ba temo-thuo ke go kgaola ba ba sa tlhagoleng masimo go ba tima lenaneo ka gore madi a setshaba a wela ka motlhoboloko. A re bangwe ba tlogela leruo le senya mo masimo le go senyetsa ba bangwe ba ba nang le maikaelelo a go ntsha dijo. Mo go tse dingwe o boletse fa ba tshwenyegile ka maitsholo a bana. O boletse fa batsadi ba ikgatholositse go kgalemela bana. O boletse fa ba dira boithatelo fela ba re ba na le ditshwanelo. O boletse fa botlhokatsebe jwa bana bo dira gore ba seka ba atlega mo dithutong. O kopile batsadi go tshwaraganela bana gore ba tle ba nne le bokamoso ka e le babusi ba kamoso. “Ngwana ke seipone sa motsadi, fa a dira bosula go bodiwa gore ke ngwana wa ga mang le fa a dira bontle go a bodiwa,” a rialo. Fa ba mo kgwa dikgaba, banni ba metse eo ba ledile ka ditsela tse di mo kgaolong ya bone ba bolela fa di le maswe. Ba kopile gore matamo a katololwe. Ba lebogetse madi a a okeleditsweng Ipelegeng le ditlhabololo mo kgaolong. Ba boletse fa bana ba dikole ba palelwa ke go fenya ditlhatlhobo ka gore ga ba utlwe batsadi mo ba setseng ba itlhobogile. Tona Ralotsia o boletse fa a ithaopile go abela bana ba ba dirang sentle mo lekwalong la botlhano mo dikoleng tse dikgolwane dikgomo tse di namagadi. Ba ba tsereng dintlha tse 46 go ya kwa go 48 ke bone ba fiwang. A re go dira jalo ke go rotloetsa bana go ithuta le go rata leruo. society 9 Bomme ba kopiwa go tsaya tsia botsogo jwa bone Monana mongwe yo o ithaopetseng go abelana kitso le Batswana lefatshe bogolo jang bomme le banana ka botsogo jwa bone, o tsweletse ka go isa efangele ya gagwe kwa bathong. Mme Ouma Rammidi o mo mosepelng wa gagwe wa ngwaga le ngwaga wa dikhilomithara tse 7 000 go ralala lefatshe leno ka baesekele, mme leeto la gagwe le ne la mo gorosa mo kgaolong ya Bokone Botlha kgwedi eno e le lesome. Fa a buisa banni ba metse ya Mulambakwena le Mosojane, Mme Rammidi o ne a ba tlhalosetsa fa a simolotse mosepele wa gagwe wa dibaesekele ka ngwaga wa 2013 ka maikaelelo a go rutuntsha bomme le banana ka bolwetse jwa kankere ya molomo wa bopelo le gone go itirela ka diatla go leka go itshetsa. A re le ntswa mosepele oo, o le moleele, o na le dikgwetlho e bile a sa dire dipoelo dipe mo go one fela o ikemiseditse go o dira ka botswapelo go leka go fetola maikutlo le matshelo a Batswana. A re ka jalo o ka nona pelo pelo fa bomme ba ka tsaya kgato ka matshelo a bone, ka jaana a na le tshepho ya gore phelelong o tlaa bona dituelo tsa gagwe go tswa kwa Modimong. Mme Rammidi a re dipalo di supa fa bomme ba amiwa thata ke kankere ya molomo wa popelo go gaisa dikankere tsotlhe, a re ke ka moo puso e boloditseng letsholo la go kentela bana ba dikole tse di potlana mogare o o bakang kankere eo wa Human papillomavirus (HPV). Mme Rammidi o tsweletse a gwetlha bomme go itlhokomela ka gotlhe mo ba ka go kgonang le go tlhomamisa gore ba itse seemo sa melomo ya dipopelo tsa bone nako e sa le teng go bona thuso e e tshwanetseng ka nako. A re ba tshwanetse ba itse fa mebele ya bone e le tempele ya Modimo mme ba ikgaphe mo go nweng bojalwa, go goga motsoko le go tlhakanela dikobo le bakapelo ba feta bongwe, ka jaana e le dingwe tsa dilo tse di nang le seabe mo go bakeng kankere ya molomo wa popelo, a re dikgwetlho tse bomme le banana ba di ralalang mo botshelong, di seka tsa dira gore ba iteseletse mme ba di dirise e le tsela nngwe e e ka ba thusang go fetola le go ba bulela dikgoro tsa botshelo le ka fa ba akanyang ka teng tota. Mme Rammidi a re bomme ba tshwanetse ba itse fa go le mo maruding a bone go netefatsa gore fa sireletsa botsogo jwa mebele ya bone, ka moo a kgalema bomme kgatlhanong le go inaakanya le tlhakanelo dikobo pele ga lenyalo. education 4 Mosweu, Mokokwana ba lela ka sekontere Banni ba metse ya Mosweu le Mokokwana kwa kgaolong ya Tswapong Bokone ba lela ka letlhoko la sekontere, selo se ba reng se baka tiego ya ditlhabololo kwa metseng ya bone. Kgosi Goitse Balebetse wa Mokokwana o boletse bosheng fa letlhoko la sekontere le baka gore dingwe ditlhabololo di ba tlole di ye kwa metseng e e nang naso. Kgosi Balebetse a re banni ba tsamaya sekgala ka maoto go latela ditlamelo di akaretsa poso le marekisetso kwa metseng e e mabapi jaaka Seolwane, Maunatlala le Lerala. A re se, se kgoba banana ba ba nang le keletso ya go itshimololela dikgwebo tse dipotlana, tse di ka tlhabololang motse go dira jalo. Kgosi Comet Baitlhapi wa Mosweu le ene o supile fa go tlhoka sekontere go ba baya ka fa mosing. A re banni ba metse e mebedi e ba sokola ka dipalamo tsa setshaba go ya metseng e e mabapi go latela ditlamelo. O tlhalositse fa beng ba dikgwebo ba ba ka tsisang ditlhabololo kwa motseng wa bone, ba sa supe kgatlhego bakeng la letlhoko la sekontere. Kgosi Baitlhapi o kaile fa metse ya Mosweu le Mokokwana e na le palo e e bonalang ya batho, sebe sa phiri e le letlhoko la sekontere. Kgosi Baitlhapi o supile fa motse wa gagwe o phophoma ka ditso, o ratwa ke bajanala mme ba felela ba sia ntateng ya tsela e e senang sekontere ka e senya dikoloi. Mme Tsaone Baitlhapi, monni wa Mosweu e bile e le leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse a re o na le kgwebonyana ya go rekisa mo lwapeng mme bontsi jwa dikoloi tse di tsisetsang bagwebi ba babotlana dilwana, di sa tsene kwa motseng wa bone bakeng la lethoko la sekontere. Seo se bo se mo pateletsa go hirisa ba ba nang le dikoloi go mo isa kwa Maunatlala go ya go tsaya dilwana, pheletsong kgwebo e sale e sena dipoelo. Metse ya Mokokwana le Mosweu, e sekgala se se khutshwane go tswa Maunatlala mme ga go na sekontere go ya kwa go yone fa motho a tswa Maunatlala. BOKHUTLO politics 7 Pilediwa e a lwelwa Banni ba Mahalapye ba kopilwe go tsena diphuthego tsa kgotla ka makatlanamane. Kopo eo e dirilwe ke Kgosi Tshipe Tshipe yo a leng leloko la Ntlo ya Dikgosi, mo tshimolodisong ya kgwedi ya tlhapelo kwa Mahalapye ka Laboraro (Lwetse a tlhola gane). Kgosi Tshipe a re o ngomolwa pelo ke gore batho ba motse wa Mahalapye ba ntse moriti o tsididi go inaakanya le go tsena diphuthego kwa kgotleng. A re tshimolodiso ya kgwedi ya thapelo, e ka bo e tsenwe ke matshwititshwiti a batho, bogolo jang ka baruti ba dikereke le dikgosi ga mmogo le mapolotiki ba dira thata le morafe, mme a re go a swabisa go bo batho ba ne ba tsena fela mo seatleng. O boletse gore go tlhoka go tsena diphuthego kwa kgotleng ke go ithontsha tshwanelo le sebaka sa go tsaya karolo mo ditshwetsong dingwe. A re ditshwetso tse di amang morafe di dirwa kwa kgotleng mme ka jalo a kopa, a bo a rotloetsa morafe go itlola ka go tsena diphuthego tsa kgotla. Kgwedi ya thapelo e simolodisitswe ko Mahalapye mo mosong wa Laboraro Lwetse a tlhola gane, e ne e tseneletswe ke baruti ba dikereke ka go farologana, kgosi le dikgosana tsa Mahalapye ga mmogo le mopalamente. Ntleng ga go rapela kgatlhanong le mogare wa HIV le bolwetse ja AIDS, go ne go rapelelwa bana, banana, malwapa, baeteledipele ba lefatshe, bodirelapuso, lefatshe ka kakaretso gammogo le pula. Fa a tswa la gagwe Mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Rre Bernard Bolele o ne a kopa bao ba ba thusiwang ka dipilisi tsa diritibatsi gore ba seka ba di tlogela. Rre Bolele a re puso e tshwenyegile thata ka gore batho ba na le go tlogela diritibatsi fa ba bona ba nna borethenyana a re seo se dira gore batho ba bo ba tswelela ka go swa ka malwetse a masesane. A re e a re batho ba lemoga bolwetse bo ritibala, ba itlogelele mme ka moo mogare o nne masheta go ba tsenya malwetsi a mangwe gape. Rre Bolele a re seemo sa mogare se boela masweng, mme fa Batswana ba sa itlhokomele, ba tlaa nyelela a tlatsa ka gore seemo sele sa maloba se a boela se batho ba neng ba a swa jaaka dintsi. O ne kopa Batswana go itlhokomela. society 9 Makgadikgadi a tlhasetswe ke ditau Barui mo tikologong ya Makgadikgadi le dikgaolo tse di mabapi ba lela ka ditau tse di ba apesitseng kobo ka letshoba ka di ba jela dikgomo. E rile a bua mo potsolotsong, mongwe wa barui ba kgaolo, Rre Richard Setshwano o tlhalositse fa ditau di itirela go rata le go kgona ka leruo la bone ka kakaretso. O tlhalositse fa a setse a latlhegetswe ke dikgomo di ka tshwara lesome le boraro, dipodi di le lesome le bongwe le ditonki di le nne mo ngwageng ono fela. Rre Setshwano o tlhalositse fa maiteko otlhe a ba lekang go a dirisa go hema seemo, a iteile se fololetse. O ne a tswelela a tlhalosa fa go rua ntsa e e disang leruo e le mangwe a maiteko a ba a lekileng mme a setse a retetse ka dinkwe le ditau di felela di bolaya di bo di e ja dintsa tseo. “Rona mo kgaolong e, re robala le dintsa mo matlong, fa o ka e tlogela ko ntle o tlaa fitlhela maloba e le maabane. Ditau le dinkwe tsa naga e, di ja dintsa ka jalo go thata go disa ka ntsa,”ga tlhalosa Rre Setshwano. Rre Setshwano o tsweletse ka go tlhalosa gore ditau tse di tswa mo lefelong la diphologolo la Makgadikgadi Nxai Pan National Park. O boletse fa ditau tse go lebega di lemogile gore di babalesegile fa di le mo lefelong le. A re tshenyo e, e diragala bosigo, mme e re maphakela dibatana tse di tshabele mo lefelong leo. O kopile puso gore fa e ne e ka kgona e se ka ya ba duela ka madi mme e ba duele ka leruo. O boletse fa lephata la diphologolo makgabisanaga le ba kolota madi a mantsi fela thata, mme e bile le tsaya lebaka le le leele go ba phimola dikeledi mo tshenyong e e bakilweng ke diphologolo di tshwana le ditau. O tlhalositse fa ba itse bojanala e le nngwe ya matshego a itsholelo a lefatshe la Botswana, mme a gakolola fa leruo le lone le le lengwe l matshego a itsholelo ya Botswana go tswa goo lowe, ka jalo lefatshe ga le a tshwanela go letlelelela mohama o mongwe wa itsholelo o bolaya o mongwe mme ebile mohama o le mongwe wa itsholelo o sa lekana go tsamaisa lefatshe la Botswana. E rile a ntsha la gagwe, mosekaseki wa kgotlhang ya batho le diphologo Dr Kenneth Gordon o tlhalositse fa kgotlhang ya batho le diphologolo e le teng lefatshe ka bophara. Dr Gordon yo o dirang dipatisiso mo Makgadikgadi Nxai Pan National Park o boletse fa e le nnete ditau tsa Makgadikgadi di jela barua kgomo leruo lwa bone. Dr Gordon o tlhalositse fa go ntsifala ga batho go oketsa tiriso ya lefatshe le palo ya leruo le motho a tshwanelwang go ishetsa ka lone. O tsweletse ka gore barua kgomo ba tshwanelwa ke go rua dikgomo tsa palo e e kwa godingwana ka lebaka la gore ba tshwanelwa ke go rekisetsa Botswana Meat Commission ba bo ba sala ka tse dingwe go tshetsa ba malwapa a bone ka masi le mo ditirong. O tsweletse ka go re ’sika loo phologolo le laolwa ke bokgoni jwa phologolo e e jewang ke e nngwe go itsetsepela ka jalo seruiwa se tshwana le kgomo ga sena maano ape a go ka itsetsepela mo phologolong ya naga e tshwana le tau. Dr Gordon o tlhalositse fa go supegile fa ditau dingwe mo Makgadikgadi di itse dikgomo le ko di fitlhelwang teng, a tlatsa ka gore ditau tse ke tsone tse di tlhorontshang barua kgomo ka go ba jela leruo la bone. O tsweletse ka gore mo dipatlisisong tsa bone go supega fa e le palo potlana fela ya ditau tse dijang leruo la batho, mme e bile bontsi jwa nako e le ditau tse di tsofetseng. “Ke dumela gore go maleba gore ditau tse di tsofetseng mme ebile di simolola go atumela mafudisetso le meraka ya batho fa di ka bonwa ka nako di bolawe ka gore ke tsone tse di felelang di bolaya leruo. Ditau tse ga di kgone go tsoma ka gore ga di na maatla le lobelo la go tshwara diphologolo ka jalo di felela di baka tshenyo mo merakeng ya batho,”ga tlhalosa Dr Gordon. Dr Gordon o tlhalositse fa mathata a a fitlhelwa mo dikgaolong dingwe tsa Amerika le Ireland ko diphologolo tsa sika loo ntsa tse di bidiwang Mme a tlhalosa fa di kgonwa ke go bolawa fa go lemogiwa gore di simolola go atumela leruo. society 9 Emelang dikgang tsa botsogo ka dinao Mothusa tona mo lephateng la botsogo, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri, a re Batswana ba maoto a tshupa mo dikgannyeng tse di amang botsogo jwa setshaba. Rre Matlhabaphiri, yo e bileng e le mopalamente wa kgaolo ya Molepolole bokone, o buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla kwa Kalamare. A re Batswana bangwe ba na le mokgwa wa go itsemeletsa go ya go bona ba bongaka le mororo ba na le dikai tsa malwetse a a diphatsa jaaka jwa HIV/AIDS le kgotlholo e tona a a reng a gomagometsa go nyeletsa tshaba yotlhe. Mothusa tona a re e re ntswa puso e tsere matsapa a go lwantsha kanamo ya bolwetse jwa kgotlholo e tona le segajaja sa AIDS ,o tshwenngwa ke batho ba ba santseng ba inaakantse le dino le mororo ba santse ba thusiwa ka kalafi ke badiri ba lephata la gagwe. Rre Matlhabaphiri o boleletse morafe wa Kalamare gore lephata la gagwe le tlhokisiwa boroko ke batho ba ba santseng ba gana go itlhatlhobela mogare wa HIV gore ba kgone go ikitse seemo le ba ba itlhokomolosang dikgakololo tsa ba botsogo jaaka go gana go dirisa dikhondomo le go ikgapha mo go nweng majalwa fa ba le mo kalafing. A re dipatlisiso tse di dirilweng di supa fa go ara letlalo la bonna go thibela kanamo ya mogare wa HIV ka selekanyo sa 60%. A re lephata la botsogo le simolotse thulaganyo ya loaro la borre go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS. Rre Matlhabaphiri o boletse gore ka lefatshe leno le tlhaelelwa ke metsi, o kopa Batswana ba ba dirisang metsi a matamo le megobe mo dikgaolong, go bidisa metsi a go nna jalo go bolaya megare e e ka ba tsenyang malwetse a tshwana letshololo la bana le malaria. E rile mopalamente wa Shoshong, Rre Phillip Makgalemele a tswa la gagwe a kopa baagi ba Kalamare segolo jang banana go itlhatlhobela mogare wa HIV le go ikgapha mo tlhakanelong dikobo e e sa sireletsegang gammogo le go dirisa dikausu go tila go tsenwa ke malwetse. Rre Makgalemele o tsweletse ka go kopa mothusa tona go agela batho ba Kalamare ntlwana ya pelegiso ka jaana kokelwana eo e thusa le batho ba masimo a a mo tikologong gammogo le ba meraka ya Rakabeswa. O lebogetse mothusa tona go etela kgaolo ya gagwe go lekodisa batlhophi ba Shoshong ka ditiro tsa lephata la gagwe gammogo le dikgwetlho tsa lephata leo. health 6 Banni ga ba jesiwe di welang ke tsela Banni ba Changate ga ba jesiwe di welang ke tsela e e lekgarapana. Ba ntshitse matshwenyego mo phuthegong ya mopalamente wa kgaolo ya Nkange, Dr Never Tshabang bosheng. Ba re tsela eo e ba senyetsa dikoloi ka e nna ka go gopiwa go sa tshelwe metsi le mmu, mme seo se pitokolole matlapa a a felelang a nna borai mo dikoloing. Ba re se se ngomolang pelo go feta ke gore tsela eo ga e a akarediwa mo mananeong a ditogamaano tsa ditlhabololo. Mokhanselara wa Nkange Botlhaba, Rre Dema Jesi o ne a kopa gore madi a ditlhabololo a dikgaolo a P10 million a dirisiwe go aga tsela eo. Mopalamente Tshabang ene o boletse fa puso e ikaeletse go busetsa ditirelo dingwe kwa khanseleng gore ditlamelo di goroge kwa bathong ka nako. A re kgang ya tsela e a ama ka jalo ba tla nna ba kopa puso go tsibogela seemo seo. A re go tlaa nna le thulaganyo e e tla dirwang go tsaya mogopolo mo bathong tebang le tshekatsheko ya molao oo tlaa letlang gore go simolodisiwe go ruta bana teme ya bone fa ba santse ba simolola sekole. A re le yone ke kgang e merafe e ntseng e lela ka yone ka jalo a kopa batho go tsaya karolo ka nako ya thulaganyo eo. Fa arabela bothata jwa metsi, mogolwane wa khamphane ya metsi kwa Tutume, Rre Batshepi Dilo o boletse fa ba le mo thulaganyong ya go reka tanka e nngwe e e tla agiwang kwa botlhaba tsatsi jwa motse oo go nosa batho ba koo ka e e leng teng metsi a yone a sa kgone go goroga koo. Rre Dilo o ne gape a bolela fa lenaneo la bone la go thiba diphaephe tse di dutlang le tsweletse mo kgaolong, e bile a tshepisa fa ba tlaa goroga mo malatsing a a gaufi go thiba diphaephe tse di dutlang. O gakolotse komiti ya ditlhabololo tsa motse gore mo dingweng tsa dikopo tsa mananeo a bone, ba nne ba akaretsa thulaganyo ya go phatlalatsa diphaephe tsa metsi mo motseng gore batho ba kgone go gokela metsi. Dr Tshabang o mo leetong la go lekola kgaolo le go tsaya megopolo mo bathong go isa kwa palamenteng e e tlaang. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Mothusa tona o rotloetsa banana go ikemela Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo ya magae, Rre Frans Van Der Wethuizen a re o tshwenngwa ke ka fa bontsi jwa banana ba ineetseng mo go direng ditiro tsa Ipelegeng go na le go dira tse di ka tlhabololang bokamoso jwa bone. E rile fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Mmanoko mo kgaolong ya botlhophi ya Molepolole Borwa bosheng, Rre Van Der Westhuizen a bolela gore ka banana ba sa ntse ba nonofile, ba tshwanetse go inaakanya le ditiro tse di botoka tse di ka tlhabololang matshelo a bone go na le go baya fela mo dikatsong tsa puso. A re ene o bona go le botoka gore batho ba bonwe ba dira sengwe go oketsa dithuso tsa puso ka tsela nngwe. Mothusa tona o buile jalo morago ga gore monni mongwe wa Mmanoko a ngongorege gore ga a newa sebaka sa go ka ithusa ka lenaneo la ipelegeng ntateng ya gore o neelwa P1 200 yo o mo amogelang ka e le modiri wa mo lwapeng. Rre Van Der Westhuizen o ne a bolelela phuthego gore go botlhokwa gore ba bone ditsela tse ba ka tokafatsang matshelo a bone ka tsone, a tlatsa ka gore madinyana a ipelegeng ga se a a ka ikanngwang, mme e ne e le thuso fela go namola batho ka nakwana. Ka kgang ya bogosi jwa Mmanoko, e e neng e bodiwa ke Kgosi Tsiakane Ramosesane, mothusa tona o boletse gore kgang eo e tshwerwe ke ofisi ya ga tona mme ka jalo go tlaa bo go sa siama go e bua mo mafelong a a tshwanang le ao. Fa e le sekoloto sa P15 000 se se kolotwang Water Utilities Corporation ke ofisi ya kgotla, mothusa mokwaledi yo mogolwane mo khanseleng ya kgaolo-potlana ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Gofaone Kgabanyane o ne a gakolola gore ga go a siama gore komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mmanoko e solofele gore sekoloto seo se duelwe ke puso a re seo e tlaa bo e le go baya sekai se se sa siamang ka gore bothata jwa dikoloto tsa diofisi tsa dikgotla bo aname le mafelo ka bontsi mo kgaolong ya gagwe ga se mo Mmanoko fela. BOKHUTLO politics 7 Kekere sekao sa lorato le pelotlhomogi Moeteledipele wa kereke ya Christian Holy Spirit Church in Zion mo Kgalagadi, Arch Bishop Phuthego Mereyabone a re kereke e tshwanetse go nna sekao mo go supeng mowa wa kutlwelobotlhoko le lorato mo setshabeng ka go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka nako tsotlhe. Arch Bishop Mereyabone o buile mafoko a mo potsolotsong le BOPA bosheng. O ne a tlhalosa fa kereke eo, e tlhamilwe ka 1934 kwa Afrika Borwa, mme mo Tsabong e gorogile ka 1984. Arch bishop Mereyabone o kaile fa maikaelelo a bone e le go di goga kwa pele mo go supeng mowa wa kutlwelobotlhoko le lorato mo setshabeng gongwe le gongwe kwa ba kopanelang teng. O ne a tlhalosa fa bosheng diphuthego tse di farologanyeng go tswa Afrika Borwa, Swasing le Botswana di ne di kopanetse kwa Khuis kwa ba fetileng ba abela dikhutsana, ba-na-le bogole le bagodi ba le masome matlhano le boferabobedi melora le diaparo. O kaile fa ba ne ba dumalane gore leloko lengwe le lengwe le ntshe mo pateng go reka melora le diaparo go abela ba ba tlhokileng lesego mo botsehlong, go ja dijo tsa motshegare le bone e le tsela nngwe ya go ba supegetsa lorato. Arch Bishop Mereyabone o boletse fa maikaelelo a bone e le go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong le fa e se balatedi ba kereke eo. Arch Bishop Mereyabone a re e re le ntswa puso e leka ka bojotlhe go thusa ba ba tlhokang, khansele e tshware phage ka mangana ka go tlhokomela batlhoki, dikhutsana le ba-na-le bogole ka dijo kgwedi le kgwedi, selo se a reng se tshwanetse go tshwaraganelwa ke dikereke, maphata a puso, dikompone le setshaba ka kakaretso go imolola puso. Arch Bishop Mereyabone o boletse fa e ne e le la ntlha ba abela setshaba, mme a supa fa ba setse ba simolotse tema e ba tlaa tswelelang ba e diragatsa le go e tsweledisa ngwaga le ngwaga. A re jaaka kereke maitlamo a yone e le go gakolola, go aga le go rerela setshaba lefoko la Modimo, ba itebagantse gape le go ngokela banana mo kerekeng ba eteletswe pele ke komiti ya banana. Arch Bishop Mereyabone a re moono mogolo wa komiti eo ke go sidila banana ba bangwe maikutlo, go ba aga, go ba gakolola le gone go ba bontsha mosola wa go tsena kereke ka go ka thusa mo go ba ntsheng mo go tsotlhe tse di duleng mo tseleng le go fetola boitshwaro jwa bone. A re ba itebagantse thata le ditiro tsa botlhoka tsebe mo bananeng, di akaretsa go inaakanya le tsa marato ntleng ga lonyalo, go goga motsoko, go nwa bojalwa le tiriso ya ditagi, bogolo jang motokwane. O ne gape a gwetlha diphuthego tse dingwe go tsaya malebela mo kerekeng eo, go tshwaragana ka mowa o le mongwe fela wa go rera lefoko la Modimo ka boammaaruri, go nna sekao ka go diragatsa tse di molemo le gone go supa mowa wa lorato le kutlwelo botlhoko mo go botlhe ba ba tlhokang. BOPA religion_and_belief 8 Kgotla ya Masugankwe e atla kgosana Kgosi Lawrence Mhaladi o roletse banni ba kgotla ya Masugankwe kwa Molepolole leina la motho yo o tsileng go ba etelela pele ebong Kgosi Mesia Rankokwane. A re mo ngwageng o o fetileng ba bogosi ba ne ba tlhalosetsa morafe gore mo ngwageng ono ba tlaa nna le diphatlha tsa bogosana ka jaana motse o gola. O boletse fa kgotla ya Ratlhomelang e ne ele tona mme banni ba ne ba sokola go ya go batla ditirelo ke sone se e kgaogantsweng. Kgosi Mhaladi o tlhalositse fa morafe o ne wa tsaya tshwetso ya go itlhophela kgosi. Kgosi Rankokwane o ne a gakololwa go tlotla morafe . “O seka wa tsena mafelo mangwe a a ka dirang batho gore ba simolole go go leba ka leitlho le e seng lone mme ba nyatse seriti le boleng jwa gago. O nne sekao mo bananeng,” Kgosi Mhaladi a gakolola jalo. Batsadi, borrangwane le boralekgotla ba ne ba kopiwa go gakolola le go kaela kgosi ngwao ya Sekwena mme ba ikgaphe mo go mo latlheleleng ba re o a duelwa. Kgosi Mhaladi o bile a kaya fa Kgosi Rankokwane a tshwanetse go tlotla a bo a utlwane le bogogi jwa sepolotiki jo bo welang mo kgotleng ya gagwe gore go nne le neelano mo go bueleleng kgotla. Banni ba Masugankwe ba kopilwe go amogela ditshwetso tse kgosi ya bone a tsileng go di tsaa le gore ba ikagele leobo ba seka ba re ba emela thuso ya khansele. Ralekgotla, Rre Morati Mantsima o supile fa ba na le tshepo ya gore Kgosi Rankokwane ga ana go tsoga a ba swabisitse. O tlhalositse fa a setse a bone gore kgosi o kgatlhegela bokamoso jwa bana ka jaana a inaakantse le lenaneo ka ga Kgosi Kgari Sechele III la go lwantsha botlhoka tsebe mo dikolong. Rrangwaneagwe Kgosi Rankokwane o kopile gore morafe o tlotle kgosi a ba a eleletsa kgosi le morafe wa gagwe ditshegofatso. O mo kopile gore a seka a latela ditsheko kwa malapeng mme bangongori e nne bone ba tlang mo kgotleng go iletsa dibelebejane. Mo go tse dingwe, banni ba boletse fa ba bone lefelo le go tlaa dirwang kgotla mo go lone mme ba ya go ikopanya le ba kabo ditsha mo bogaufing. Fa a latlhela la gagwe, Kgosi Rankokwane o ne a leboga a bo a amogela thomo. O ile a solofetsa fa a tla etelela pele ka thata ya Modimo. O supile fa thomo ya gagwe ya ntlha e le go ikopanya le lephata la kabo ditsha go latedisa dikopo tsa lefatshe. O kopile morafe go kgalemela batho ba ba tshololelang matlakala kwa kgotleng ya bone le baba epang konkoreite ka jaana e le borukutlhi go dira jalo. Banni ba bile ba gakololwa gore ba itlwaetse go tshwara diphitlho fitlha mo mosong. Ba gakolotswe fa go tsenya dibui tse dintsi go felela go dira gore batho bangwe ba itsapele go ba ema nokeng ka jaana ditiro tsa bone di ema. O bile a kopa gore setso se tshegediwe mmu o nne ko pele ga lebitla e seng gongwe le gongwe. Tiro e e ne e tsenwe ke dikgosana tsa dikgotla tse di farologaneng, mopalamente wa pele wa Mmopane/Lentsweletau Major General Moeng Pheto, mokhanselara Rre Otto Keipeile le Kgosi Basiamang Garebakwena magareng ga ba bangwe. politics 7 Ba re go boelwe mo ngwaong Banni ba Shoshong le metse e e mo tikologong ba re gore Batswana ba kgone go gatela pele, go botlhokwa gore ba ikgakologelwe. Ba buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke lekoko le le romilweng ke Tautona go tsaya megopolo e e tlaa dirisiwang go bopa tebelopele ya 2036. Dibui ka bontsi di ne tsa gatelela botlhokwa jwa go busetsa tiriso ya ngwao mo tsamaisong ya mehama e e farologaneng go akarediwa kgodiso ya bana. Ba re ka bana e le bone babusi ba kamoso, go matshwanedi gore ba godisiwe sentle go remeletswe thata mo ngwaong. Mongwe wa dibui, Rre Segolame Sejakgomo o ne a tlhatswa mogopolo o ka go fa sekai ka botshelo ja gagwe. A re ene mo bosimaneng ba gagwe, o ne a godisediwa mo ngwaong, a anywa dithuto tsa botshelo jwa Setswana mo go rraagwe, jaaka go tlhokomela leruo le go tlamela lelwapa. Ka jalo he, o ne a gakolola gore e re le ntswa dinako di fetogile, nako e santse e le teng go ka ruta bana ngwao, a bua gore, “thuto ya ngwao e ka tswakanngwa le ya sekole, batsadi kwa malwapeng ba tseeletsa fa barutabana ba emeng teng kwa sekoleng.” Mme Galesenyege Mosotho o ne a tlatsa mafoko a ga Rre Sejakgomo ka gore ngwao e pataganngwe le tumelo ya sekeresete mo kgodisong ya bana, go lebilwe gore Botswana ka e le lefatshe la sekeresete, e bile le Baebele mo lokwalong lwa ga Diane e bua gore ngwana a godisediwe mo ngwaong le mo tumelong. Ba re kgang e nngwe e e amanang le ngwao e e tshwanetseng go emelwa ka dinao ke ya bogosi, jo ba tlhalositseng fa bo ole seriti le go amogwa dithata ka bontsi, selo se se dirang gore bogosi bo nne lolea le go sa tsewa tsia. Go laola matimela go supilwe fa e le nngwe ya dithata tse di amogilweng dikgosi, ka mo nakong ya gompieno matimela a laolwa ke khansele. Ba buile gore mosola wa matimela e ne e le go dirisiwa go tlamela morafe jaaka fa go na le diphuthego tsa kgotla le baeng, go fepa bomme le borre ba ba ileng go rupa, mme mo nakong ya gompieno bojale le bogwera ga di yo ntateng ya tlhaelo ya ditsompelo. Ba re dithata tsa go busa morafe le go atlhola ditsheko le tsone di fokoditswe, mo godimo ga moo boramelao ba sesha ba kgona go sekisa dikgosi, mme go rarabolola matshwenyego a, dikgosi di tshwanetse tsa busediwa dithata tsa tsone. Mo go tsa seemo le boleng ja Batswana, batsaya karolo mo phuthegong ba re ba eletsa gore ka ngwaga wa 2036, Motswana e bo e le motho yo o ipelang ka segagagwe mo go itshupeng ka kapari le puo. Fa a akgela mo mogopolong o, Rre Goodwill Tladi o ne a re go ka itumedisa go bona dipuo tsotlhe tsa lefatshe leno di rutwa kwa dikoleng, gore Batswana ba nne le tshosologo ya go di ithuta, go na le go remelela mo puong ya Setswana e le nosi fela. Mo mohameng wa itsholelo, Re Rabangwe Leadika, o ne a tswa ka mogopolo wa gore, e re ka go itshupile gangwe le gape gore mhama wa tsa meepo o tshabelelwa ke go wa, a supa fa e bulwa e bo e tswalwa morago ga nakwana, go ka nna botoka fa go ka ya go tsewa malebela le dikitso kwa ntle jaaka kwa Aferika Borwa. A re go bonala fa Ma-Aferika Borwa a na le botsipa fa go tla mo tsamaisong ya meepo, a a fa sekai ka gore Batswana ka bontsi ba berekile kwa meepong ya lefatshe leo dingwaga tse dintsi tse di fetileng, mme le gompieno e santse e itshetletse. E re ka thuto e le nngwe ya mehama ya botlhokwa, e mo nakong ya gompieno e gomagomediwang ke go wela tlase go lebilwe maduo a bana, banni ba kopile gore go na le go goboka bana ba ba sa dirang sentle ba fetisediwa kwa dikoleng tse dikgolwane, go ka nna botoka fa go ka lebelelwa bokgoni ja bana. Rre Leadika o ne a gakolola gore go lebiwe se ngwana a se kgonang, a re fa e le gore ngwana o kgona tiro ya diatla, go remelelwe mo go yone, go na le gore a tswelele le dithuto tse dingwe le ntswa di mo palela. Lekoko le ne le beile pele phuthego dintlha tse tharo go ba segela tsela ya go ntsha megoplo e leng gore; ba eletsa go bo go agile Botswana yo o ntseng jang ka 2036, go akarediwa dikgang tsa tumelo, semoya, ngwao, itsholelo, tsamaiso ya merero ya puso le dikgang tsa tlhabololo ya matshelo a batho le gore Motswana e bo e le motho wa setho le seemo se se ntseng jang. Bokhutlo society 9 Ba gakolotswe go nna podi matseba Mopalamente wa Ngwaketse Bophirima, Rre Mephato Reatile o kopile Batswana go ela tlhoko dikgalo tsa gangwe le gape tsa diphathi tsa kganetso, a tlhalosa fa ele tsa boitimokanyi. E rile a bua mo phuthegong ya sepolitiki kwa Khudumelapye go rola ntlhophang wa bopalamenete wa kgaolo ya Letlhakeng Bophirima, Rre Ngaka Ngaka le bontlhophang ba khansele kwa kgaolong eo, a supa fa diphathi tsa kganetso di iphatlha ka diphuka. Rre Reatile a re go a gakgamatsa gore ba diphathi tsa kganetso ba bo ele bone ba akolang go feta botlhe mananeo a puso mme ba tsweletse ka go kgoreletsa Batswana ba bangwe go intsha mo bothateng jwa lehuma. O bile a tlhagisa batlhophi ba kgaolo go ikgapha mo go rekiweng ka majalwa gore ba tlhophe, mme ba tlhomamise go dira tlhopho e e nang le boikarabelo ka go tlhopha Domkrag, mme e bile ba lemoge fa Rre Ngaka e le ene a nonofetseng tlhabololo ya matshelo a bone ka fa tlase ga puso ya Domkrag. A re maiteko a puso ya ga Domkrag ke go leka go nyeletsa lehuma ka go tokafaletsa ba ba itlhaelang seemo sa itsholelo. Mothusa tona mo ofising ya merero ya ga tautona Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri, yo e bileng e le mopalamente wa kgaolo ya Molepolole Bokone, o rotloeditse batlhophi ba kgaolo eo go tsaya tshwetso ka go busetsa mopalamenete wa nako eno Rre Ngaka mo setilong, ka e le moemedi wa tlhwatlhwa. O kgothaditse batho ba kgaolo ya Letlhakeng Bophirima go fa Rre Ngaka Ngaka tlhopho go emela dikeletso tsa bone, ka jaana a emetse phathi e tlhabolotseng matshelo a batho ba kgaolo eo. Mothusa tona o kgothaleditse ma Domkrag a kgaolo ya Letlhakeng Bophirima go tlhomamisa popagano ya maloko, e bile ba sa letle mewa ya lefufa go ba tsena gare. Mopalamenete wa Molepolole Borwa, Rre Daniel Kwelagobe, o kopile batho ba motse wa khudumelapye go sala phathi ya Domkrag morago ba lebile ditiro tsa yone go tswa goo lowe. A re diphathi tsa kganetso ga di na sepe se di se tshwaretseng tshaba ya lefatshe leno mme ba tla tswelela ka go ganetsa, jaaka ele tiro ya bone go leka go ipetlela tsela ya go tsaya puso. E ne ya re pele ga phuthego moplamenete Ngaka a abela lelwapa le le nang le ngwana wa mona-le-bogole ntlwana ya boitiketso. BOKHUTLO politics 7 Kereke e tlhoafaletse go kokoanya madi Kereke ya Assemblies of God mo Molepolole e a tshematshema e rulaganya metseletsele ya meletlo ya go kokoanya madi. Maikaelelo ke go aga ntlo ya kobamelo e e solofetsweng go lopa P12 million. Kago eo, e e solofetsweng go amogela batho ba ka tshwara dikete tse tlhano, e tlaa nna le diofisi di le mmalwa tsa ditirelo tse di faloganyeng. Fa a rola semmuso setlhopha sa borre ba le bane le mme, ba e yang go nna bone barotloetsi ba tiro eo kwa moletlong wa selalelo kwa kerekeng eo bosheng, Kgosi Kgari Sechele III wa Bakwena o ne a akgola maikaelelo ao, a re a nitame go ka thusa go godisa tatedi ya kereke ka go fetola tebego ya dikago tsa yone. Kgosi Kgari o ne gape a leboga le go kgothatsa baithaopi bao mo go thuseng go tsibosa setshaba ka maikaelelo a go ngokela kereke kemo nokeng ya go ka lemogwa le go ka bona dithuso tsa go diragatsa toro ya yone. A re le fa go na le Basamarea ba ba molelo mo ba itlamang go thusa mo boememong jwa kereke, maloko a tshwanetse go lemoga fa e le boikarabelo jwa one go di goga kwa pele go netefatsa go re toro e a diragala. “A re seka ra solofela go direlwa jaaka nama, mme re itse fa e le boikarabelo jwa rona go diragatsa Setswana se se reng letsema le thata ka mong wa lone,” ga gakolola Kgosi Kgari. O ne a kopa maloko gore ditiro tse di molemo di simolole ka one ka go abela thulaganyo eo. “Botlhokwa jwa go nna le dikago tse di phuthologileng tsa dikereke re bo lemoga gangwe le gape mo diemong di tshwana le tsa dibetso tsa tlholego fa dikereke di dirisiwa go nna mafelo a botshabelo,” Kgosi Kgolo a tlhalosa. Kereke ya Assemblies, e e neng e itsege thata ka leina la Kamo-le-Kamo, e simolotse ka dingwaga tsa bo 1960. E solofetswe go tshwara letsatsi la ngwao kgwedi e e tlang e tlhola gane. religion_and_belief 8 Kereke e gakololwa go ruta boitshwaro Mogolwane wa ofisi ya tlhabololo matshelo, Rre Keedigetse Mhapha, a re go lebega kereke e ngodiega mo go direng tiro ya yone ya go kaela bana tsela ya boammaaruri. O buile sekwa Letlhakane mophuthegong ya ngwaga le ngwaga ya bomme ba kereke ya St Phillips Faith Healing. A re makgotla a tumelo ya sekeresete a tshwanetse go ruta thata ka boitshwaro.A re go botlhokwa thata go tlhabolola motho. Le fa go ntse jalo, Rre Mhapha a re bomme ba tsweletse ka gonna leseabe se se bonalang ba leka go godisa bana ka lorato, boikarabelo le setho le gone go tlhabolola matshelo a tshaba ka kakaretso. A re mekgatlho ya dikereke ka go farologana, segolo bogolo e e eteletsweng pele ke bomme, e eme ka dinao go bopa botshelo jwa motho. Rre Mhapha a re lephata la boipelego le ntsha ditlamelo go tokafatsa matshelo a batho gore ba ikutlwe ba na le boleng mo setshabeng, a tlatsa ka gore tiro e dirwang ke lephata le, e simologile ka thotheletso ya tumelo ya Sekeresete. A re dikereke di tswa kgakala di dira tiro ya boipelego le go tlhabolola matshelo a batho ka go tlamela masiela, dikhutsana le batlhoki le gone go thusa ka ditlamelo tse dingwe tsa botlhokwa mo botshelong jwa motho. Rre Mhapha a re le fa bomme ba dira ditiro tse di tsamaisang lefatshe, sebe sa phiri ke gore seabe sa bone ga se fiwe tlotlo e tshwanetseng. A re mo tsamaisong ya lefatshe ka bophara, ga go motlhofo go bona mme a tshwere maemo a boeteledipele mo setshabeng. Rre Mhapha a re bomme ke baeteledipele ba mananeo otlhe a ditlhabololo ka go dira ditiro tsa boithaopo le go godisa bana. A re ditiro tse di dirwang ke bomme di tseelwa kwa tlase le fa tota di le botlhokwa. Le fa go ntse jalo, Rre Mhapha a re bomme ba ruta setshaba tsela ya boammaaruri mme a ba rotloetsa go tsena mo dikomiting tse di sireletsang ditshwanelo tsa bana. A re go a tshwenya go bona bana ba tsweletse ka go kgokgontshiwa mo makalaneng ka go farologana go balelwa le tsone dikereke, mme bomme ba le teng ba sa eme ka dinao ba kgalema. Moemedi wa ofisi ya sepodisi sa CID kwa Letlhakane, Mme Neelo Phuthegelo, o gakolotse bomme go nna baeteledipele ba ba nang le boammaaruri ka go sireletsa bana le go netefatsa gore dikereke di gasa lefoko la Modimo, e seng sepe gape. Mme Phuthegelo a re badiragatsi ba molao ba tshwenngwa ke go begela dikgang tsa borukutlhi go tswa mo dikerekeng di akaretsa go itirisetsa madi kana dithoto tsa phuthego, dikgang tsa bomme le bana ba betelelwa go twe ke tsela yo kalafi. O gateletse thata gore bomme ba tshwanetse ba etelela mo dikerekeng mme ba tlhomamisa gore bana ba phuthego ba itshwara ka setho se se eletsegang mo setshabeng. A re kereke e tshwanetse ya direla tiro ya yone mo pontsheng go se na sepe se se filthegileng. Bokhutlo religion_and_belief 8 Berekang ka natla go direla morafe - Tshireletso Mothusa tona wa lephatala la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso o kgothaditse maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse go bereka ka natla go direla morafe o o ba romileng. Mme Tshireletso o buile jaana mo tekodisong le maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa Serowe ka Labobedi. O tlhalositse fa a lemoga dikgwetlho tse di ba amang mo tirong, mo go thuseng go tlhabolola motse. “Ke kopa gore go nne tirisanyo mmogo fa gare ga lona, dikgosi le makhanselara,” a supa. O gakolotse fa komiti ya ditlhabololo e sa tshwanela go kgaphela dikgosi le makhanselara kwa thoko ka se se dia ditlhabololo tsa motse. Mme Tshireletso o tlhalositse jaana, morago ga komiti e e akaretsang dikomiti tsotlhe tsa Serowe, e retelelwe ke go ntsha pego ya seemo sa ditlhabololo tsa motse. Mothusa tona o supile fa go na le batho ba ba nang le bokgoni mo motseng, mme ba ithuntshitse go nna karolo ya komiti ka ntlha ya go bo ba na le tshepo mo go bone. O tlhalositse fa tsamaiso ya dikomiti tsa ditlhabololo e fetogile mme e tsamaisiwa ka molao o o tsamaiso dikgaolo. “Komiti ya ditlhabololo ke matlho a lephata la dikgaolo le tsamaiso magae, le khansele,” a supa. A re go ntse jalo ka go bo motho wa ntlha go itse gore ditlhabololo di ka dirwa kae, go itse masiela, batlhoki, le go lemoga gore mananeo a dirwa sentle mo motseng gantsi ke maloko a komiti ya ditlhabololo. “Komiti ya ditlhabololo ke mmabana, mmabatho, mmametse, jalo ke lo kgothatsa go dira ka natla go tlhabolola matshelo a batho,” mothusa tona a tlhalosa a bo a kopa gore dikomiti di itirele ditogamaano tsa bone tse di sa amaneng gope le mananeo a Ipelegeng. “Go na le tiro e ntsi e lo ka e dirang go supa gore lo teng e le ya merafe ya lona ka madi a dithotloetso le a matlo a lo a hirisitseng,” a tlhalosa. O kopile dikomiti go dirisana le morafe go batlisisa ditlhabololo tse ba ka di dirang mo motseng. “Morafe o na le seabe sa go akantshanya le mokhanselara, kgosi le mopalamente ka komiti ya ditlhabololo tse di ka dirwang,” a supa. Mme Tshireletso o gakolotse maloko gore madi a komiti a ka dirisediwa ditlhabololo tsa sennela ruri fela e seng sepe gape. A re ba seka ba lwela madi a ditlhabololo a a filweng mapalamente, mme a supa fa ba na le tshwanelo ya go gakolola le go tsenya matlho mo tirisong ya one. O gakolotse gore ka komiti eo e le ya boithaopo, go na le bangwe ba ba ikaeletseng go ja madi ao, a tlhalosa fa e le a Setshaba. “Morafe o a lela gore ga lo tshware dilo ka tsamaiso e e solofetsweng, bangwe ba lona ga lona boammaruri, e bile ga lo na boikarabelo jwa dithoto tsa dikomiti. Lo ipeile kwa godimo ga batho ba ba lo tlhophileng,” a supa. Mme Tshireletso o kgadile botlhe ba ba dirisang boloko jwa bone go diragatsa dikeletso tsa bone tsa sepolotiki, a tlhalosa fa seo se sa letlelesege. A re go na le molao o o tlhamaletseng gore ba ba tlolang molao, ba sa itshware sentle, ba le kgatlhanong le maikaelelo a komiti e bile boitshwaro jwa bone bo tlontolola, mmaboipelego o letlelesega gore ba ka rolwa maemo a bone a boloko. “Lo tshwere madi a Setshaba, mme ga lo a tlhokomele e bile ga lo lekodise Setshaba ka one,” a supa. Bontsi jwa maloko bo ne bo supa fa ba sa itumelele tirisano mmogo ya bone le bommaboipelego ga mmogo le khansele ba re mananeo a nyeletso lehuma a teng mme ga a ba tswele mosola ka ba sa bone dithuso. Mokhanselara wa Kgosing, Rre Lesego Raditanka, o kopile maloko go itshekatsheka le go ipaakanya gore ba dire dilo sentle. O supile fa phuthego ya bone le mothusa tona e ne e le botlhokwa ka e ba butse matlho gore dilo dingwe ga di dirwe sentle. Rre Raditanka a re dikgosi di tshwanetse go fiwa tlotla le tlhompho ka go rerisiwa ka dithulaganyo tsotlhe tsa komiti ya ditlhabololo. “Re tshwanetse go dira mmogo re tshwaragane, tsosoloso e mothusa tona a e dirileng e, e botlhokwa,” a supa. politics 7 Ba Moshaweng ba itumelela molelo Kgosi ya motse wa Moshaweng, Kgosi Kegobonye Maruping o supile fa ba sa le ba letile molelo wa kgolagano, ka ba ntse ba o utlwalela kwa metseng e mengwe e bile ba ipotsa gore go ya go diragala eng ka letsatsi leo. O buile se fa a amogela baeng kwa kgotleng ya gagwe ka letsatsi la molelo wa kgolagano ka mafelo a beke. O ne a supa fa lesedi la molelo wa kgolagano le beilwe mo pepeneneng a solofela fa le tla a bonesetsa motse wa gagwe. E rile fa a tlhalosa ka ditso tsa motse oo, Rre Thebe Mokgosi a tlhalosa gore motse wa Moshaweng o tlholegile kwa Mmakehupetse magare ga dingwaga tsa 1920 le 1930, ka batlapele ba ne ba okilwe ke metsi le diphologolo tse di neng di nna foo. O ne a supa gore e rile ba lemoga fa go sa tlhole go na le metsi, ba fudugela kwa Gasese, go atamela metsi kwa didibeng tsa Moshaweng. O boletse gore merafe ya motse wa Moshaweng e farologanye, bangwe ba ne ba tswa Kgalagadi, bangwe Gammangwato, Mokwena le kwa Gangwaketsi. O tlhalositse gore e rile mo tsamaong ya nako, fa ba sena go ikagela sekolo ka boithaopo ka ngwaga 1969, leina la motse la Gasese la fetoga mme ga bidiwa Moshwaweng. O tlhalositse fa ba ba neng ba tswa Kgalagadi, ba ne ba feta ba thibelela kwa Kubung, mme ba phatlaladiwa ke lenyora, mme ba ne ba okiwa ke monnamogolo Lenkemetse ba bo ba fudugela kwa Moshaweng. Rre Mokgosi o tlhalositse fa botshelo bo ne bo le bokete nako eo, ba ne ba tshela ka go thugela Bakwena mabele, mme ba bo ba a ja moroko. Fa a tlhalosa ka ditso tsa sekolo, Rre Othusitse Maruping, o ne a supa fa sekolo sa Moshaweng se simolotse ka ngwaga wa 1969, go ne go agiwa matlo a marantafole a le mabedi gaufi le kgotla. O supile fa ba ne ba se fudusa ka ngwaga wa 1970, mme se na le bana ba le fa gare ga lekgolo le makgolo a mabedi. O supile fa bana ba le bantsi ba ne ba tlogela sekolo ka ntlha ya lenyora, mme bana ba supa fela ba ne ba kgona go kwala lekwalo la bosupa, fa bana ba le babedi ba tsaya matshwao a ntlha le a bobedi, fa ba batlhano ba ne ba tsaya a boraro (c). Mogokgo wa sekolo seo, Mme Bajaki Bulawa, o tlhalositse fa sekolo seo se dira sentle mo maduong a lekwalo la bosupa, ntswa ba na le tlhaelo ya matlwana a borutelo. Mme Bulawa o supile fa ka ngwaga wa 2013, sekolo seo se ne sa fenya ka matshwao a 76 per cent, sa dira 72 per cent ka ngwaga wa 2014, fa ngogola se tsere 76 per cent. Fa a tlhalosa tebelopelo ya banana, Kagiso Bafitlhile a re lesedi la molelo wa kgolagano le raya go le gontsi mo go bone, a supa fa banana ba motse wa bone ba sa akole mananeo a puso ka ntlha ya go sa bopagana. society 9 Barui ba Ghanzi ba ganetsa magatwe Barui ba dipolasi tsa Ghanzi ba ganeditse magatwe a a kwadilweng mo dikoranteng a gore ba beile P500 million go aga matlhabelo kwa kgaolong eo. Barui bao ba ganeditse magatwe mo phuthegong e e neng e tshwerwe ke komiti ya mapalamente e e tlhotlhomisang gore ke eng fa matlhabelo a BMC a sa bereke sentle. Ba boleletse komiti eo fa ba boleletswe ke khansele ya Ghanzi gore e itshwaragantse le kompone nngwe kwa Aferika Borwa mabapi le go bula matlhabelo kwa toropong eo. Barui ba boleletse komiti eo fa BMC e paletswe ke go diragatsa melawana e e neng e batlwa ke ba lekgotla la EU, mme ka mabaka ao, EU e ne ya emisa gore lefatshe leno le rekise nama ya lone. Ba boleletse komiti eo gore ba kopa gore go baakangwe molao motheo wa matlhabelo ao wa gore BMC e nne yone fela e rekisang nama kwa mafatsheng a a kwa ntle ka gore go dira jalo ke gone mo go bolayang matlhabelo ao. Ba ne ba supa gape fa ba kopa gore go agiwe matlhabelo a mangwe mo lefatsheng leno, a a tlaa bong a gaisana le a Lobatse ka ditlhwatlhwa tsa go reka dikgomo tsa bone ka gore ditlhwatlhwa tsa BMC di kwa tlase fela thata. Barui ba supile gape fa matlhabelo a lefatshe leno a sa bereke sentle ka ntlha ya boitseme jwa bodiredi le go kobiwa ga bodiredi nako le nako. Ba ne ba ngongorega le ka lephata la twantsho matlhoko a leruo, ba supa fa le na le seabe mo go sa berekeng sentle ga BMC. Ba boleletse komiti eo gore go tsenelela ga sepolotiki go na le seabe, mme ba re matlhabelo a tshwanetse go ikemela ka nosi. Modulasetilo wa khansele Rre Douglas Tlharese, o ne a rurifatsa mafoko a barui, a tlhalosa fa e le nnete khansele ya Ghanzi e tshwaragane le kompone nngwe kwa Aferika Borwa go tla go aga matlhabelo kwa Ghanzi. A re ba dirile sengwe le sengwe le kompone eo, mme ba sa ntse ba emetse tetla go tswa kwa BMC. Bokhutlo society 9 Tlhako le molomo e a laolesega kwa Ngami Mothusa mookamedi wa matlhoko a leruo, Dr Kefentse Motshegwa o tlhaloseditse khansele potlana ya Maun fa bolwetse jwa tlhako le molomo jo bo neng bo tlhagile mo kgaolong eo bo le mo taolong. Dr Motshegwa o supile fa dikgang tsa tlhako le molomo di le kwa tlase e bile di fana sebaka se seleele, a supa fa jo bo neng bo bonwe kwa kgaolong ya 2D ngogola ka Lwetse bo sa tshwane le jo bo tshwerweng kwa Shakawe monogwaga, a tlatsa ka gore jwa Shakawe bo a laolesega. Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa seemo sa bolwetse joo se angwa ke metsi a dinoka, a a nang le seabe mo motsamaong wa dinare le tshenyego ya terata e e kganelang go kopana ga diphologolo tsa naga le diruiwa. O boletse gape fa motsamao wa dikgomo le one o sa laolesege ka barui bangwe ba Ngami ba sa tlhatlhele dikgomo mme di felele di tsena mo terateng ya diphologolo tsa naga. Godimo ga moo, Dr Motshegwa a re barui ga ba obamele mekento ya dikgomo, selo se a reng se na le seabe se segolo mo go lwantsheng bolwetse jwa tlhako le molomo. O ne a supa fa dipalo tsa barui ba ba obamelang mekento e e thibelang tlhako le molomo di le kwa tlase ga masome a a ferang bobedi. Bokhutlo health 6 Motshegare o akgolela banana letsema Mothusa Kgosi wa Barolong Kgosi Botiki Motshegare o akgoletse banana go bo ba inaakantse le temo mo pakeng e, selo se a reng se tlaa tsosa serodumo sa Barolong jaaka ba ne ba tumile ka temo. Mo potsolotsong le “Go a itumedisa go bona banana ba inaakantse le go tsosa serodumo sa Barolong, ke dirile dikwalo di le dintsi tsa banana ba ba neng ba kopa dipeo kwa lephateng la temo-thuo.” Kgosi o kaile fa dipalo tsa banana di le dintsi ka kwa dikgotleng tse dingwe mo metseng ya Borolong le bone ba supile fa banana ba inaakantse le go lema. O tlhalositse fa e le ba bogosi ba ne ba bitsa dipitso le dikgosi gore ba rotloetse batho go lema. O gakolotse banana gore ba kgothale ba tswelele ka go lema, a tlhalosa fa temo e tlhoka bopelotelele. O tlhalositse fa molemi a sa itsape. Mo go tse dingwe, Kgosi o akgoletse puso go bo e tsweletse ka lenaneo la go tlhabolola temo- thuo la ISPAAD, le gone go thusa balemi go ba lemela diekere tse tlhano. Fa a gakolola balemi, kgosi a re ntswa puso e dira bontle ka go ba thusa, o eletsa fa bontsi bo ka ithusa le bone ba lema diekere tse di fetang botlhano gore thobo e nne e e nametsang. O tllhalositse fa Barolong e le morafe o o ratang go lema mmidi le dinawa, ka jalo bontsi bo lemile tsone mono ngwaga. Kgosi o tlhalositse fa a itemogetse gore Barolong ba ithuta go lema dijo tsa dikgomo jaaka Lab lab. O ne a supa tlhobaelo mo baleming ba ba lemang dipeo di le dingwe fela mme a tlhalosa fa se se isa ditlhwatllhwa tsa bagwebi kwa tlase le fa ba leka go rekisa kwa mmarakeng o tshwana le Botswana Marketing Board. “A re jwaleng dipeo tse di farologanyeng, re leke go reetsa dikgakololo tsa balemisi gore thobo ya rona e re tswele mosola.” Kgosi o kaile fa a tshepa gore le dikgafela mono ngwaga di tlaa bonala ka fa Barolong ba lemileng ka teng. O supile gore ba temo-thuo ba kaile fa Barolong ba ba lemileng fela ka ISPAAD ba tshwara makgolo a mabedi, masome a marataro le botlhano mme dipalo tse di supa kgolo, ka go na le palo e nngwe e e itemetseng fela ba sa dirisa lenaneo le. Kgosi o gakolotse ba ba maoto a tshupa gore ba iteke ba bee tema ka ngwaga o Modimo a ba gopotse. O tlhalositse gore Barolong ke bone ba ba ka tsosolosang serodumo sa bone mme ba tswelele ka go jesa lefatshe la Botswana jaaka go ne go tumile. O buile gore Modimo o gopotse morafe wa gagwe ka pula, ka jalo ba tshwanetse go lema. economy_business_and_finance 3 Komiti e agela banana ntlwana ya botsogo Go lemosegile gore fa banana ba ka fiwa matlwana a itekodiso kwa dikokelong, ba ka kgona go itekodisa botoka, ka jaana ba le ditlhong e bile ba rata sephiri. Makalana a a itebagantseng le go thusa banana tebang le tsa botsogo le one a ka rotloetsa banana go etela dikokelo gangwe le gape. Morago ga go lemoga botlhokwa jwa seo, komiti e e lomaganyang tirisanyo magareng ga setshaba le bodiredi jwa botsogo ya kgaolo ya Bokone Botlhaba e ne ya tsaya tshwetso ya go aga ntlwana ee ka thusang banana kwa kokelong ya Masunga. Mo maitekong a go sala morago toro ya go aga ntlwana eo, komiti eo, ka tshwaragano le bodiredi jwa botsogo le bogogi jwa kgaolo, e ne ya simolodisa semmuso tiro ya go dubiwa ga ditena, tse di ka dirisiwang mo kagong. Fa a bua kwa tshimolodisong ya go dubiwa ga ditena e neng e tshwaretswe kwa kokelwaneng ya Masunga bosheng, modulasetilo wa komiti eo, Mme Ruth Dlodlo o ne a supa fa lekalana leo le tlaa fa banana sebaka sa go itekodisa ka tshosologo le gone go neelana bogakolodi tebang le tsa botsogo jwa bone. Mme Dlodlo a re komiti ya gagwe e lemogile fa ntlwana e e thusang banana e tlaa thusa mo go lwantsheng dikgang dingwe, tse gantsi di amang bokamoso jwa banana. A re dikgang tse di akaretsang boimana jwa banana, malwetse a tlhakanelo dikobo le tiriso ya nnotagi mo bananeng, e le dingwe tse di tshwenyang thata mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, ka jalo lekalana leo le tlaa thusa go ba fa bogakolodi tebang le tsone. E re ka jaana kago eo, e tlaa bo e dirwa ka mowa wa boithaopo le go kopa dithuso mo makalaneng ka go farologana, Mme Dlodlo o ne a gwetlha morafe wa kgaolo go ema ka dinao go tlhomamisa gore tiro eo e tswelela ka thelelo. Le fa gontse jalo, a re o na le tshepo ya gore ka tshwaragano ya ba-na-le-seabe tiro eo e tla atlega. Motshwara madi wa komiti eo, Mme Luzile Mudongo, o ne a supa fa ba ne ba thulanya ditlhogo, mme ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo go aga ntlwana eo. Mme Mudongo o ne a tlhalosa fa ba tsweletse ka go kokoanyetsa tiro eo madi, a tlhalosa fa ba setse ba kile ba rulaganya mogwanto o o duelelwang o mo go one ba neng ba kokoanya P15 000. Le ene fela jalo o ne a supa fa a na le tsholofelo ya gore e tla re sebaka sa bone se wela, komiti e ntsha e tlaa sala e tsweledisa fa ba tlaa bong ba eme teng. Mothusa kgosi kwa Masunga, Kgosi Thabo Monaga, o ne a iteela legofi maiteko ao, a re ke mogopolo o o molemo thata ka jaana o tla thusa banana ba kgaolo le ba lefatshe leno ka bophara. BOKHUTLO health 6 Tsenyang manyena a dikgomo Lephata la temo-thuo le ngongorega ka barui ba ba maoto a tshupa go tsenya manyena mo dikgomong tsa bone. Se se builwe ke moanamisa mafoko wa lephata leo Rre Balosang Mmusi ka Laboraro kwa kgotleng ya Habu mme o tlhalositse gore ka fa tlase ga mananeo a go rudisa itsholelo, puso e ile ya lemoga dikgwetlho tsa kgaolo ya Bokone Bophirima, mme ya bona go tshwanela gore e ntshe manyena a dikgomo a tlhwatlhwa e e ka tshwarang didikadike di le pedi le dikete di le makgolo mane tsa dipula go a fa barui ba kgaolo mahala go fefosa go tsenya manyena mo dikgomong. Tsamaiso e ya go tsenya manyena mo dikgomong e e neng ya simolola ka Tlhakole, e ne e tshwanetse go wela ka Seetebosigo mme a re mo bogompienong, gareng ga dikgomo di ka feta dikete di le lekgolo le masome a mabedi le motso, ke di le dikete di le masome a mabedi le botlhano fela tse ba di kgonneng. O ne a kaya gore ka ditshekatsheko tsa bone, ba itemogetse gore manyena a ka tshwara dikete di le lekgolo di tshwerwe kwa diofising tsa bakenti mme ga di ise di tsene mo dikgomong. Rre Mmusi o bile a tlhalosa gore puso e ile ya bona go tshwanela gore e rutuntshe banana ba kgaolo ba le masome a matlhano le borataro gore ba tle ba thuse mo lenaneong leo, e bile e le tsela nngwe ya go tlhamela banana mmereko. Fa ba a kgwa Rre Mmusi dikgaba, bangwe ba banni ba Habu ba ile ba re manyena a teng ba a filwe ke ofisi ya bakenti, mme mabaka a gore a bo a se mo dikgomong e le go tlhoka kitso ya botlhokwa jwa one. Bangwe ba ile ba tlhalosa gore dikgomo di phatlaletse ka mabaka a leuba fa bangwe bone ba ne ba supa fa ba sena sepalamo go tsaya mokenti go mo isa kwa merakeng ya bone. Rre Mmusi o ne a rotloetsa banni go tsenya manyena mo dikgomong ka a ka ba thusa fela thata mo tlhokomelong ya dikgomo le go thusa fa go ka nna le bogodu jwa leruo. BOKHUTLO society 9 Kebenne o tsene mo ditlhakong tsa ga Ratsie Setlhako Kgosi Kgomotso Boiditswe wa Topisi a re mo bosheng ba itemogetse fa pampiri ya dikgang ya Fa a bua mo potsolotsong, Kgosi Boiditswe o lebogetse maiteko a puso a go fefosa go gorosa dikgang tsa puso kwa go bone. A re mo malobeng ba kile ba nna mo lenyoreng la go tlhoka A re malatsi a ne a kgona go feta ba sa bona pampiri eo, a kaya fa seo se ne se ba baya ka fa mosing, a tlatsa ka go re nako dingwe sekole se sebotlana sa Topisi e ne e le sone fela se se neng se amogela “Jaaka o itse E re ka go twe bana ba motho ba kgaogana tlhogwana ya ntsi, Kgosi Boiditswe a re o itumelela gore morafe wa gagwe ga o ikgagapelele pampiri eo, a kaya fa a kile a ba ama ka lefoko la gore ba kgaogane pampiri sentle gore e seka ya tlhaela ba bangwe. “Pampiri e gorogela mo kgotleng e tona ya motse mme re leka ka bojotlhe go e phatlalatsa le motse fa re sena go e amogela.” a bua jalo. A re go a itumedisa go bo puso e leka ka bojotlhe gore Batswana ba bone kgatiso ya “Banana ba e bala tota mme re leboga go bo re kgona go e akola le rona. E e fa godimo ga tafole e, ke kgatiso ya tsatsi leno ke ntse ke fetsa go e bala,” a bua jalo a supa. BOKHUTLO education 4 Balemisi ba kgothatsa balemi go tla go tsaya peo Go tshololwa ga ditsheko tse di isitsweng fa pele ga ba bosekise go rotloetsa go kekela ga borukutlhi le go baka ditshenyegelo tsa didirisiwa tsa puso. Kgosi Ketlhapile Kedikilwe yo e leng mothusa kgosi wa kgotla ya Maokatumo a re e setse e kete ba tshameka mantlwane mo maitekong a go aga setshaba le go lwantsha borukutlhi ka go bona go le makgetlhonyana bangongoregi ba tsholola dikgang kgatlhanong le basekisiwa ba ise ba lebisiwe dikgang tse ba di pegilweng fa pele ga kgotla ya ditsheko. Kgosi a re dikgang di tshwana le dititeo, bogodu jwa leruo le dikgotlhang magareng ga baratani ke dingwe tsa dikgang tse di tshabelelwang ke go tshololwa, selo se a reng se ba dira gore ba nne e kete ba a keta fa ba le mo tirong ya puso e e tlhoafetseng. O tlhalositse gore go tshololwa mo ga ditsheko go bakwa ke ditumalano tse di dirwang magareng ga bangongoregi le babelaelwa gore kgang epe e e kwa lekgotleng e seka ya tsena go reediwa gore mmelaelwa a falole dikotlhao fa a ka bonwa molato. “Go lere kgang fa pele ga lekgotla go raya go le go ntsi mo go rona ka gore re tshwanetse ra bereka ka natla mo go se re se laetsweng ke puso go ntsha maduo, fa mongongoregi a tsholola kgang o a bo a senyeditse puso nako, madi, le ditlamelo tse di kabong di dirisitswe mo bathong ba bangwe ba ba tsayang ditlamelo tsa puso ka tlhwaafalo,” Kgosi Kedikilwe a kgala. O boletse gore ditiro tsa mofuta o tsa go dirisa dithoto tsa puso go bo go boa go senngwa di ka amanngwa le tshenyetso sechaba. A re ope fela yo o nnang le kakanyo ya go folosa kgang e a e pegileng kwa lekgotleng o tshwanetse go lefisiwa madi a a ka lekanang le dipampiri tsa ditsheko, leokwane le le dirisiwang mo dikoloing tsa mapodisi, le nako le matsapa a a tserweng go fiwa thuso e a neng a e tlhoka ka nako eo. O gakolotse setshaba go itse gore kgotla ga se lefelo la mmamodikwadikwane, ka jalo motho fa a tsisa boikuelo kwa kgotleng o tshwanetse go bo a feditse pelo e bile a itse se a yang go ikuela ka sone go itsa go tsoga a fetotse ditshwetso tsa gagwe, mokgwa o a reng o fa badira melato sebaka sa ipagololela mogodu. Fa a di nankola ka bongwe ka bongwe, kgosi a re dikgang tsa bogodu jwa leruo go le gantsi di tshololwa fa mongongoregi a solofeditswe go duela go menagane go se se tserweng ka bogodu gore kgang e tswe puso ka diphatlha tsa menwana. Mo go tsa dititeo tse gantsi di diragalang kwa go itshielwang teng, a re bobedi jwa mongongoregi le mmelaelwa ba buisana go itshwarelana mme go na dituelo dingwe tse di dirilweng gore kgang e emisiwe kwa lekgotleng. “Dikgang tsa baratini tse di tlang mo go rona di felela nyelela gongwe mongongoregi a itatola mafoko a a a dirisitseng fa a ikuela kgatlhanong le mokapelo wa gagwe fa go setse go le monate magareng ga bone. Go ikuela o sa wela makgwafo o sa ikakanya sentle go borai ka gore gongwe go ka bakela mmelaelwa melato e e sa mo lebaganang,” Kgosi a gakolola. Go tshololwa ga ditsheko go sena mabaka a a nonofileng go tshwanetse ga tsewa e le tshenyo e motho a tshwanetseng go e arabela a bo a lefisiwa go itsa batho go pega dikgang tse di lolea e bile gongwe tse dingwe go patelediwa batho ka gongwe moikuedi o a bo a kukegile maikutlo ka nakwana eo. O gakolotse setshaba go itse fa go raya go le go ntsi mo badirela pusong go tsaya nako ya puso le ditlamelo tsa yone go ba fa thuso e ba e tlhokang, ka jalo ba seka ba tsaya dithuso tseo motlhofo ka e le ditshenyegelo tse dintsi mo letloleng la puso. BOKHUTLO environment 5 Bangwaketse ba gana nnang wa banyana E rile bosheng ga bo go sena fa motho a ka bayang leoto teng, kgotla kgolo ya GaNgwaketse kwa Kanye e tletse thi! Matlhogotshweu, makau le makgarejwana ba tsile ka makatlanamane, lentswe la bone le le lengwe fela le supa fa ba sa batle gore Barolong ba tswe mo go bone ba ikemele ka bonosi ele kgaolo. Ba ganne nnang wa banyana fa pele ga tona wa dikgaolo le tlhabololo magae Rre Peter Siele yo gape e leng mopalamente wa Ngwaketse Borwa kwa phuthegong e a neng a e biditse go tla go utlwa megopolo ya bone gore ba reng ka Barolong ka Kgosi Letlamoreng II a na le keletso ya gore Barolong ba ikemele ka nosi e nne kgaolo. Selo se, se ne sa kgopisa Bangwaketse thata mo ba boleletseng tona gore ba tseelwa kwa tlase e bile Barolong ba dirisa lefatshe le ba le filweng ke Bangwaketse. Ba tlhalositse fa Kgosi Letlamoreng a ka bo a buile le Kgosi Malope II pele, ba tlatsa ka gore kgang eo e tshwanetse go boelwa morago, e seng jalo go tla nna le bothata jo botona jwa semorafe. Morafe wa Bangweketse ka bongwe fela jwa pelo o boletse gore fa Good Hope e nna kgaolo ka bo yone e emetse Borolong ba tswe mo kgaolong ya Borwa ba tseye ditsa bone e bile metse e mentsi ya Bangwaketse e e mo kgaolong ya Borolong e bo e tswa kwa kgaolong eo. Bontsi ja Bangwaketse go balelwa le dikgosana ba boletse fa ba sa amogele mogopolo wa gore Borolong e nne kgaolo, ba bolela fa Barolong ba filwe lefatshe ke Bangwaketse e bile ba itse fa Barolong ele bo ntsalabone ba tlhagana fela. Bangwaketse ba boletse fa ba dumalana le gore Barolong ba ka ikemela ka nosi mme metse yotlhe e e mo kgaolong ya Borolong e batho ba teng eleng Bangwaketse ba tswe mo go yone. Se se befisetseng Bangweketsi le go feta ke fa Tona Siele a ne a bolela fa metse ya Barolong e na le batho ba le 25 452, fa metse ya Bangwaketse e e welang mo kgaolong potlana ya Borolong e na le 29098. Tona Siele o boletse fa a ne a tsile go tsaya maikutlo a Bangwaketse ka a utlwile fa diphefo di foka gore gona le dikgang tsa gore keletso ya Barolong ga e amogelesege sentle kwa Gangwaketse, mme a bolela fa mongwe le mongwe a tshwanetswe go reediwa mo pusong ya batho ka batho, a supa fa ikuelo e dirilwe ke Barolong. O boletse fa ba tshwanetswe go reediwa le go isa morero kwa morafeng le go tsaya ditshwetso morago ga go gakolola tautona. Tona Siele o boletse fa puso e dira e lebile molao motheo, a re melelwane ga e kake ya sutisiwa gope e bile metse e e busiwang ke Kgosi Malope II, o tla nna a ntse a e okametse, go tla tlhakanelwa ditlhabololo go sa senye sepe se se ntseng se le teng fa gare ga Bangwaketse le Barolong. Rre Siele o boletse fa tshwetso e ise e tsewe ka gore go santse go sekwa sekwa mme e tla re merero e sena go wela morafe o bolelelwe sentle gore puso e bone gole botlhokwa eng. Mo dikakgelong bontsi ja morafe wa Bangwaketse bo ganne nnang wa banyana gore Borolong e ikemele ka nosi ka gore lefatshe ke la bone e bile ba palo potlana mo go bone. Ba ne ba bolela gore kgang ya teng ke ya sepolotiki e rotloetswa ke bangwe batho. Bokhutlo society 9 Ke boikarabelo jwa motsadi go agela ngwana bokamoso Ke boikarabelo jwa motsadi mongwe le mongwe go tsenya letsogo mo kgodisong ya ngwana, ka maikaelelo a go mo agela bokamoso jo bo lolameng, le go mo godisetsa mo sethong se se eletsegang. Se se builwe ke moitseanape wa tsa kgwebo kwa lekalaneng la LEA, Rre Onalenna Mmati kwa Mogome ka letsatsi la Ngwana wa moAferika, le le ipelelwang ngwaga le ngwaga Seetebosigo a le 16. Rre Mmati a re ditshwanelo tsa bana di tshwanetse go obamelwa. A re ke gone ka moo mafatshe a neng a dumalana gore letsatsi leo le ipelelwe. A re go diragadiwa ga ditshwanelo tsa bana go mo maruding a Motswana mongwe le mongwe ka gore bontsi ke batsadi. Rre Mmati o ne a supa fa tiriso botlhaswa ya bana ke batsadi ba e kabong e le bone ba kgalemang e le matlhabisa ditlhong. A re go a swabisa go bo bana ba ima ba sa le kwa dikoleng, mo go ba senyetsang bokamoso. A gape se sengweke ke go ka tsenwa ke malwetse, go sita kang le one mogare wa HIV tota. O ne a tlhagisa borre ba ba dirang jalo go leba bana ka leitlho la kutlwelo botlhoko, a re go tshwaragana ga setshaba go ka godisetsa bana mo leratong le go ba aga go nna tshaba e e tlaa tsogang e tsamaisa merero ya lefatshe leno. Rre Mmati a re go mo maruding a setshaba go tlhokomela bana le go ba sireletsa. O ne a kgalemela batsadi ba ba lwelang le go dirisa mafoko a matlhapa fa pele ga bana, a re seo ga se yone kgodiso e e eletsegang. Rre Mmati, ka e le moitseanape wa tsa kgwebo, o ne a re metlhala ya khumo e mentsi, e tlhoka balati, a bua jalo go rotloetsa bana le batsadi go itshimololela dikgwebo tse di ka ba tshetsang ka mananeo a puso. A re LEA le yone le ikemiseditse go thusa ka thutuntsho le go dira mealo ya kgwebo. Fa a tswala bokopano joo, jo bo neng bo kopantse bana ba dikole le barutabana go tswa kwa Moreomabele, Topisi, Radisele, Mogome le Mokgware, modulasetilo wa kgaolwana ya Palapye, e bile e le mokhanselera wa Mogome/Mokgware, Rre Lesedi Phuthego, o ne a akgolela barulaganyi ba tiro eo go tsholetsa serodumo sa kgaolwana ya gagwe ka go e tsisa kwa Mogome, a supa fa go dira jalo go ofa banni ba kgaolwana eo seriti le go lemoga fa le bone puso e ba gakologelwa mo ditirong tsa setshaba. Rre Phuthego o ne a gatelele gore ditshwanelo tsa bana di tlotlwe, di bo di diragadiwe. A re bana ba na le tshwanelo ya go neelwa thuto, botsogo, bonno jo bo lolameng, le kgodiso e ntle, e e tlaa ba dirang banna le basadi ba kamoso. BOKHUTLO health 6 Ba tlhaba kgobe ka mutlwa E re ntswa puso e dira ka natla go tokafatsa matshelo a banana, go tlhalosiwa fa kwaMetsibotlhoko mo kgaolong ya Letlhakeng bophirima maiteko a a sa atlege ka jaana banana ba sa ntse ba tlhabile kgobe ka mutlwa ba sa itsolopanye go akola mananeo. Go ne go bua modiri mo ofising ya banana kwa Takatokwane mo phuthegong ya kgotla e e neng e tsentswe ke molaodi wa kgaolo,Rre George Mogome bosheng. O tlhalositse fa banana ba motse oo ba sa iponatse kwa diofising tsa bone go kopa dithuso le jone bogakolodi ka mananeo. O kaetse banana ba motse gore go mo maruding a bone go tsaya tsia matshelo a bone ka go ipelega ba itshimololela dikgwebo di tshwana le tsa temo-thuo, tsa ditirelo le tse dingwe tse di ka tokafatsang matshelo a bone. Mme Tlhobogang a re go ngomola pelo go bona banana ba santse ba iketlile ba sa itsolopanye go dirisa monyetla o, go intsha mo lehumeng le gone go itlhamela dikgwebo. A re puso e ka dira gotlhe mo e ka go kgonang go rotloetsa banana go inaakanya le mananeo mme fela go mo maruding a bone go tsaya mananeo. O supile fa seabe sa batsadi se le botlhokwa thata mo go rotloetseng banana go itshetsa ka mananeo a ba a tlhametsweng ke puso le gone go dirisa ditalente tsa bone,a kaya fa dikgwetlho tse di lebanyeng banana di tshwanetse go tshwaraganelwa ke batsadi le puso. Fa ba tswa la bone banana ba motse oo, mo go bone go le Kitso Tshegetsang, ba supile fa ba sa akole mananeo a ba a tlhametsweng ke puso ka ntlha ya go tlhaela kitso ka mananeo. O kopile ofisi ya banana go ba etela go ba tlhatlhelela ka mananeo. society 9 Ba Makwate ba ikopela tsela Banni ba Makwate mo kgaolong ya Mahalapye bophirima ba kopile tsela go tswa mo sekontereng sa Machaneng go ya Parr’s Halt. Fa a amogela tona wa dipalamo le ditlhaeletsano, Rre Nonofo Molefhi bosheng, Kgosi Lefatho Lesenyamotse o ne a re ga ba na tsela epe e e botoka e e ba golaganyang le metse e mabapi. Kgosi Lesenyamotse a re gore ba ye gope fela kwa ba kopang ditlamelo teng, go nna mahutsana bakeng la ditsela tse di dikhutikhuti ka go se na epe e e tshetsweng sekontere. A re balwetse le bone ba tlhotlhorwa ke bolwetse bakeng la tsela e e sa jeseng diwelang e. Go ya ka Kgosi Lesenyamotse, letlhoko la ditsela le ba paledisa go akola ditlhabololo jaaka Batswana ba dikgaolo tse dingwe. A re e sale ba solofeditswe tsela mo dingwageng tse di fetileng mme nako kgolo ke eno. Kgosi o ne a kopa gore puso e tseye maikarabelo e ba direle tsela e lese go ipata ka kwelo tlase ya itsholelo. A re mo mafelong a mangwe go dirwa ditlhabololo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Mmoloki Molantwa o ne a re tsela ya go tswa mo Makwate ke selabe mo matshelong a bone. O tsweletse a re tsela e emisitse dithuso tsotlhe tsa puso tse di neng di ka ba solegela molemo di tshwana le mananeo a nyeletso lehuma. A re tsela ya Makwate/Parr’s Halt e tshwanetse e dirwe ka e le diphatsa le mo matshelong a bajanala tota. Rre Bolokanang Sedimo a re go a makatsa gore letlhoko la tsela e ntse ke selelo le mo nakong eno. A re ga go na ditsela ke mesima fela e e tlhotlhorang dikoloi tsa bone mme a kopa gore jaaka e le Batswana a ba nne le go akola meamuso ya puso ka makgetho a bone. Fa a tswa la gagwe, Tona Molefhi o ne a re puso e na le maikarabelo a go tlhokomela ditsela lefatshe leno ka bophara. O ne a tlhalosa fa bontsi jwa ditsela di tlhokana le go shafadiwa gore di seka tsa tlhotlhorega le go feta. Tona o tsweletse a re kwelo tlase ya itsholelo e amile ditiro dingwe tsa ditlhabololo lefatshe leno lotlhe, a tlatsa ka go re go dirwa ditlhabololo tse di tlaa thusang go tsosa itsholelo di akaretsa metsi le motlakase. Jalo a re bone e le ba ditsela ba tshwanetse ba kotlopisa go fitlhelela itsholelo e tokafala. Re Molefhi o supile fa go se epe tsela e ntsha e tlaa dirwang, mme a tlhomamisetsa morafe gore tsela e e leng teng e tlaa gopiwa gangwe fela mo dikgweding tse pedi. BOKHUTLO health 6 Lenaneo la go tsaya melemo le tlaa lekelediwa E re ka melemo e tsweletse ka go tlhaela, puso e bone go le botoka go lekeletsa lenaneo le ka lone balwetse ba tlaa bong ba letlelesega go tsaya melemo mo marekisetsong a beng kgotsa dikokelo tsa Batswana tse di rekisang melemo. E rile mothusa tona wa tsa botsogo, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri a bua bosheng a tlhalosa gore lenaneo le, le tlaa bo le itebagantse thata le malwetse a a tshwenyang batho ka bontsi gore e nne one a dikhemisiti di thusang ka melemo ya one. O tsweletse a re molwetse mongwe le mongwe yo o tlaa bong a kwadisitswe kwa kokelong ya puso o tlaa neelwa karata e e kgethegileng mme a kgone go itlhophela marekisetso a motswana ape fela go tsaya dipilisi le melemo, teng. O tlhalositse gape gore balwetse ba tlaa bo ba thusiwa kwa dikokelong tsa puso pele mme morago ba e go tsaya melemo jalo kwa dikhemising ba itshupa ka karata eo. O tlhalositse gore molwetse o tlaa bo a neelwa melemo fela a sa duele ka go duela puso. Mothusa tona o bile a re lekgotla la dithuso tsa kalafi la badiredi ba puso la BPOMAS, e tlaa nna lone le neelwang madi a theko ya melemo go duela dikhemisi. O tlhalositse fa tekeletso e tlaa simolola mono Gaborone le Francistown ka e le one mafelo a a mosuke o montsi fa melemo e abiwang teng, e bile go tlhomame gore mafelo a, a na le Batswana ba ba nang le dikhemisi. O bile a re ga go ree gore lenaneo le le tsile go akolwa ke ba Gaborone le Francistown fela mme fa molwetse a ile kwa mafelong a, a bo a alafiwa teng a bo a fiwa karata e e kgethegileng e, o na le tshwanelo ya go ipatlela dipilisi kwa khemising. Mothusa tona o tsweletse a tlhalosa gore lenaneo le le tlaa lekelediwa ngwaga fela mme morago go sekasekwe go bona gore a le mosola go ka tsweledisiwa le go dirisiwa kgotsa jang. O kopile batho go tlhaloganya gore, go kgona go tsaya melemo kwa khemising go tlhokana le gore a bo a kwadisitswe kwa kokelong ya puso,e bile karata e e kgethegileng eo e tlaa bo e le yone e ba tshwanetseng go tlhomamisa gore ba e neetswe morago ga ikwadiso. Le fa go ntse jalo mothusa tona o boletse fa go na le ditirelo dingwe tse balwetse ba tlaa di akolang kwa spatela sa Scottish Livingstone. O boletse gore jaanong sepatela sa boitseanape ja matlho se simolotse go dira e bile balwetse jaanong ba tlaa bona thuso ka bofefo. Rre Matlhabaphiri tladitse ka gore fa godimo ga moo, go tlhomilwe kokelwana e balwetse ba ba gateletsweng ba tlaa bong ba okelwa teng. Mothusa tona o ne a rotloetsa morafe go dirisa ditlamelo tse mme ba gakologelwe gore Botswana o aperwe ke lenyora mme ka moo ditirelo tse dingwe di tlaa seke di kgona go dira sentle. O kopile morafe gore o inele baoki le dingaka diatla metsing fa seemo sa go nna jaana se diragala mme a tlhalosa gore kgabagare seemo sa metsi se tlaa rarabololwa. Morafe o ne wa lebogela ditlamelo tse di begilweng, mme ba bolela fa lenaneo la melemo e le le le ntle e bile le tlaa ba thusa thata ka e bile le botsogo jwa bone bo tlaa tlokafadiwa ke go tsaya melemo ka fa tshwanelong le ka malatsi le dioura tse di beilweng. BOKHUTLO health 6 Mothusa Tautona o isa matshediso Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane o kgothaditse ba lelwapa la mokhanselara yo o tlhokafetseng go gomotsega le go ikaega ka Modimo mo dinakong tse di thata. Rre Tsogwane o buile jaana fa a isitse molaetsa wa matshediso kwa lelwapeng la ga Rre Kagiso Oduetse kwa Tamasane mo boemong jwa ga Tautona Mokgweetsi Masisi. Rre Oduetse, yo e neng e le mokhanselara wa Tamasane mo kgaolong ya Mmadinare wa phathi ya Domkrag, o tlhokafetse beke e e fetileng morago ga go lwala ka bokhutshwane. Mo molaetseng wa kgomotso Rre Tsogwane o ne a tlholosa fa Tautona Masisi a mo romile go mo emela ka jaana a tshwerwe ke ditiro tse dingwe tsa puso. O boleletse ba lelwapa leo fa go sa latlhegelwa bone fela mme go latlhegetswe batho ba kgaolo ya Mmadinare le setshaba sotlhe. O ne a tlhalosa fa kgwetlho e tona e le gone gore Rre Oduetse o tlhokafala jaana ka nako e go ilediwang go kgobokana ga batho e le tsela nngwe ya go kganela kanamo ya bolwetse jwa COVID-19, ka jalo ba tshwanetse go sala ditaelo tsa ba botsogo morago. Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa Mmadinare, Rre Molebatsi Molebatsi o ne a lebogela Tautona Masisi le Rre Tsogwane gore ba bo ba bone go tshwanela go ba gomotsa le go ema le bone mo kutlobotlhokong. Rre Molebatsi o ne a supa fa ba ne ba solofetse go le gontsi mo go Rre Oduetse, ka jaana e ne e le motho yo o neng a le tlhaga mo tirong e bile a sa rate tshenyetso setshaba. “Ke maswabi go bo Rre Oduetse a tsamaile mo lebakeng le le khutshwane jaana e le mokhanselara,” ga tlhalosa Rre Molebatsi. Kgosi Roman Mpule wa Tamasane, le ene o ne a supa fa a latlhegetswe ka a ne a solofetse go le gontsi mo go Rre Oduetse ka jaana a ne a beile mo go ene go isa ditlhabololo kwa motseng. society 9 Lekgotla le pegile banna moretlwa Lekgotla la ditsheko la Setswana la motse wa Tati Siding mo kgaolong ya Bokone Botlhaba le sa tswa go atlhola banni bangwe ba motse oo ba le batlhano dithupa le go lefisiwa madi ka molato wa bogodu. Mo ditshekong tseo, David Wilson wa dingwaga tse di masome a mararo le Meleko Jeremiah wa dingwaga tse di masome a mabedi le bobedi ba ne ba pegiwa dithupa tse tlhano mo maragong, fa bomme Koketso Nyame wa dingwaga tse di masome a mararo le Margret Mbisana wa dingwaga tse di masome a mane le bone, bone ba ne ba lefisiwa P100 mongwe le mongwe wa bone morago ga go bonwa molato wa go utswa dilwana dingwe kwa sekolong sa Tashatha JSS kwa Tati Siding. Bomme bao, ba laetswe gore ba bo ba duetse madi ao mo a malatsing a supa, eseng jalo ba tla ya kgolegelong ya lebaka la ngwaga. Go bolelwa fa tiragalo eo e diragetse ka malatsi a boitapoloso a ga tautona fa bone joo, jo bo neng bo thapilwe ka nakwana kwa sekolong seo ba ne ba utswa dithoto tse di akaretsang digarawe di le tlhano, dilock le dipara tse tlhano tsa ditlhako tse di dirisiwang ke bana ba sekolo mo mebinong ya Setswana. Go bolelwa fa bangwe ba ne ba lemoga se se neng se diragala mme ba loma mapodisi tsebe, ba ba neng ba latedisa basekisiwa kwa malwapeng a bone mme ba fitlhelwa ka dingwe tsa dithoto tseo mme dilock tsone mo nakong eno di santse di tsene ka lenga la seloko. Basekisiwa botlhe ka bone ba ne ba ipona molato mme ba kopa lekgotla go ba utlwela botlhoko ka ba tlhokomela bana ba bone. Fa a ntsha katlholo, Kgosi Simon Nkgageng wa Tati Siding o ne a re molato o o dirilweng ke basekisiwa, o ka baka gore ba dise poo lobaka la dingwaga tse tharo, a re fela o ne a tsaya tsia boikuelo jwa bone le gore ke lantlha ba dira molato. Kgosi Nkgageng o ne a supa fa mokgwa wa batho bangwe wa go utswa, bogolo jang fa ba direlang teng o tshwenya thata e bile go lebega o setse o atlile mo motseng oo, ka jalo o ne a kopa gore batho ba latlhe mokgwa oo ka ponyo ya leitlho. Go ntse go le foo, Rre Wendu Joko wa dingwaga tse di masome a mabedi le borataro le ene o ne a pegiwa dithupa tse tlhano mo maragong a sena go bonwa molato wa go utswa di widowframe mo lelwapeng lengwe gone kwa Tati Siding. Go bolelwa fa tiragalo eo, e diragetse ka kgwedi ya Seetebosigo mme mapodisi a longwa tsebe ke bangwe, mme ba letedisa Rre Joko kwa a hirisitseng teng mo Tati Siding kwa ba fitlhetseng diwidowframe tseo. E sale go tswa foo, rre Joko o ne a tsena ka lenga la seloko go fitlhelela mapodisi ba mo tshwara jaana ka malatsi a boitapoloso. Dithoto tseo, di ne tsa tlisiwa fa pele ga lekgotla e le bosupi mme lekgotla la laola gore digarwe le ditlhako di busediwe sekolo sa Tashatha fa diwindowframe di buseditswe mong wa tsone. Go sale foo, Kgosi kgageng a re boitswaro jwa banni ba motse wa Tati Siding e ne e le jo bo itumesang mo malatsing a boitapoloso a ga Tautona, a tlhalosa fa go ne go rena boitumelo, go sena ditiragalo dipe tse di fatlhang. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Mokhanselara o lebogela dikago tsa ESP Mokhanselara wa Maunatlala Mme Salome Lesole o lebogetse puso go tsibogela selelo sa banni ba Maunatlala, Mokokwana le Mosweu ka go aga matlo a borobalo a bana ba sekole le a barutabana. Mme Lesole o buile jaana bosheng jaaka sekole se segolwane sa Maunatlala se ne se rolelwa dikago tse di sa tswang go wela tse di neng di agwa ka lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP ke ba lephata la thuto go tswa kwa Gaborone ba ba neng ba tlhokometse kago eo. Dikago tseo, tse di agilweng ka P40 million, di akaretsa matlo a borobalo a baithuti ba basimane ba le 152 le ba basetsana ba le 152, a batlhokomedi ba baithuti a le mabedi, a barutabana a le marataro, ntlo e e beelang le ya boapeelo, phaposi e go sidilelwang maikutlo mo go yone, matlo a borutelo a le mabedi le matlwana a boitiketso. Ka jalo Mme Lesole a re dikago tseo, bogolo jang tsa borobalo jwa baithuti, di arabile selelo se se tswang bogologolo sa banni ba Maunatlala, Mokokwana, Mosweu le Seolwane, se ba neng ba lopa puso go di aga. A re baithuti ba ba tswang kwa Mokokwana, Mosweu le Seolwane ba tsamaya sekgala se seleele go ya kwa sekoleng se segolwane sa Maunatlala, ka jalo dikago tse di raya gore baithuti ba tlaa nna le nako ya go ithuta ka ba tlaa bo ba nna mo sekoleng. Mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto, yo o itebagantseng le tsa boitseanape jwa dikago, Rre Motshidisi Rakwadi o ne a tlhalosa fa a rolela mogokgo wa sekole seo dikago tseo ntswa go na le fale le fale fa go tshwanetseng go baakanngwa ke ba ba neng ba di aga. A re paakanyo e e saletseng kwa morago eo ga se e e tshwenyang ka e le e nnye thata mme kompone eo e tlaa neelwa dituelo tsa yone tse di neng di setse fa e sena go baakanya. Rre Shandulo Maphorisa, go tswa kwa lephateng la thuto a direla kwa Serowe, o ne a lebogela dikago tseo, a bolela fa ba tlaa fa pego e bagolwane ba sa bolong go e batla ya gore dikago tseo di fedile. A re ba amogetse dikago tseo ka di wetse ntswa go setse fale le fale mme ba na le tsholofelo ya gore mo nakong ya malatsi a a supang go tlaa baakanngwa mo go setseng. BOKHUTLO politics 7 Molelo wa kgolagano ke sesupo sa ditso Mopalamente wa kgaolo ya Shoshong Rre Dikgang Makgalemele, a re molelo wa kgolagano o tsisa lesedi le popagano e lefatshe leno le tlholegileng le na le yone. Rre Makgalemele o ne a bua kwa metseng ya kgaolo ya gagwe bosheng fa molelo o o ne o ralala kgaolo. Molelo wa kgolagano o sa tswa go ralala metse ya Mosolotshane, Moralane, Kodibeleng, Otse, Mokgenene, Poloka, Mmutlane, Kalamare, Ikongwe, Shoshong gammogo le Bonwapitse. Rre Makgalemele a re molelo o, o supa gore lefatshe la Botswana le tswa kae le ya kae, go ya ko pele a tlatsa ka gore molelo o o tsisa dintlenyane tse ka tsone di ka ba tswelang mosola. O ne a tlhalosa gape gore molelo o o supa sekao se ka sone lefatshe le tlhabologileng ka sone fa e sale le tsaya boipuso. O ne a kopa banni ba kgaolo ya gagwe gore ba tshwanetse go ikitaya ka thupana gore jaanong ba dira eng go ya kwa pele, bogolo jang ka ba setse ba keteka dingwaga tse di masome a matlhano ba ntse ba ipusa. A re go mo maruding a bone go itse gore seabe sa bone ke eng mo lefatsheng, go dirisa mananeo a ba a neelwang ke puso, go tlhama ditiro le go tlhabolola metse ya bone. Kwa motseng wa Shoshong, e rile a amogela molelo o, Kgosi Felix Kgamane a tlhalosa fa ka molelo o wa kgolagano go supa kwa lefatshe la Botswana le tswang teng bogolo jang mo mererong ya tsa bogosi. Kgosi Kgamane a re go tswa goolowe lefatshe la Botswana le ne le eteletswe pele ke dikgosi tse ka tsone di neng di tlamela merafe ya tsone mme gape di lere thitibalo mo morafeng. O ne a leboga thata puso ya lefatshe leno go bo e sa ntse e setse morago ngwao ya go tlotla dikgosi ka e le tsone di tshegeditseng batho ba metse ya bone go bona gore go nna le thitibalo le kagiso go sena sepe se se ba tsenang ka bogare. Mo leetong le, motse mongwe le mongwe o ne wa amogela molelo o ka mabogo a mabedi mme ba tlhalosa ditso tsa bone le kwa ba simologileng ba le teng. Motse mongwe le mongwe gape o ne wa nna le moemedi wa banana yo o neng a tlhalosa gore e le banana ba motse oo ba direla motse wa bone eng le gore ba akola mananeo afe a puso. Kwa Mosolotshane moemedi wa banana, Rre Kesebelwang Gaorongwe o ne a tlhaolosa fa ba lebogela puso ka mananeo a e ba thusang ka one, a tlatsa ka gore molelo o wa kgolagano o supa popagano le therisanyo go isa Botswana kwa pele. Rre Gaorongwe a re e le banana ba lefatshe leno ba ikiteile ka thuapana go bona gore le bone ba nna le seabe go tsaya karolo go fokotsa lehuma ka go tlhama ditiro le go tlhamela ba bangwe ditiro. Kwa motseng wa Moralane moemedi wa banana, Mme Gaofetole Dirame o ne a tlhalosa fa molelo o o supa ka fa ba godileng thata ka teng e le motse go tsweng ka nako ya fa ba tlhomiwa motse. Mme Dirame o ne a tlhalosa gore molelo wa kgolagano o supa gape le ditlhabololo tse di diragetseng mo lefatsheng ka bophara gammogo le motse wa bone a re go nnile le sekole le kokelwana tse ka tsone ba kgonang go bona dithuso tsa puso ka bogaufi. A re o leboga puso go bo e ba lemoga bogolo jang ka ba le kgakala le ditlamelo mme e dira ka gotlhe go bona gore ba nna le ditlamelo. BOKHUTLO society 9 A baperesita ba engwe nokeng Mookamedi wa pele wa kereke ya Roma mo Botswana, Bishop Boniface Tshosa Setlalekgosi, o kgothaditse diphuthego tsa kereke eo go ema nokeng baperesita ba kereke eo mo ditirong tsa bone tsa go direla Modimo ka nako tsotlhe. Mo mafokong a gagwe a kgothatso kwa tirelong ya go tlhoma Moruti Phemelo Magibisela wa Kopong go nna moperesita yo o tletseng, Bishop Setlalekgosi a re gore tlhomo kana pitso ya gagwe e a e bileditsweng e nne le maduo ke fa phuthego e ka mo ema nokeng ka dithapelo, le gore go se nne ope yo o tla mo nyatsang mo tirong ya gagwe ya go direla Modimo. O mo gakolotse gape gore thuto ya gagwe e a tla e rerang e nne letswai mo phuthegong e a e eteletseng; e bo e phatsime e nne lesedi mo setshabeng ka kakaretso; le gore ditiro tsa gagwe di nne le kgogedi le go kgatlha leitlho la yo o mmeileng diatla; ka jaana seo se tla tlotlomatsa seriti sa tiro ya gagwe. Bishop Setlalekgosi o bile gape a mo gakolola fa tiro ya go disa letsomane la Modimo e se tiro e e motlhofo, ka jaana ga se mang le mang yo o ka amogelang thomo eo; ka jalo a ikanye thapelo ka ke yone e ka mo tshegetsang go dira ka lorato le boineelo. Fa a bua kwa tirelong eo, Kgosi Michael Molefe wa Kopong, a re se Magibisela a se dirileng sa go nna moperesita wa ntlha wa kereke e katoliki go tswa mo motseng wa Kopong se tla kwalwa mo dibukeng tsa ditso tsa motse oo. A re ka Setswana se re, “ntsanyana ya maitaya sebatana e bonwa mabotobotong”, Magibisela o supile seo ka go dira ditiro tsa bopelotlhomogi a sale mmotlana, a tlhalosa gape fa ele motho wa ditiro tse di faphegileng, di ikaegile ka Modimo. Rara Magibisela o dirile dithuto tsa gagwe tsa go ithutela boperesita kwa Zimbabwe ka ngwaga wa 2006 go fitlha ka 2009, morago aya Tanzania go fitlha ka 2012. Pele a tlhomamisiwa go nna moperesita yo o tletseng, o ne a direla mo mafelong a a farologanyeng jaaka Gaborone, Thamaga, Ramotswa le a mangwe. MoBishopo wa kereke eo Valentine Tsamma Seane o tlhalositse fa palo ya baperesita, bogologo jang ba Batswana e le kwa tlase; mme a kgothatsa thata batho go arabela dipitso, ka tota thobo e le ntsi mme barobi ba le babotlana. Bokhutlo religion_and_belief 8 Jwaneng o ipaakanyetsa boipuso "Molaodi wa toropo ya Jwaneng, Rre Richard Boitshwarelo o kopile banni ba toropo eo go tla ka maano a go tsosolosa meletlo ya boipuso. Rre Boitshwarelo a re puso e tshwentswe ke ka fa Batswana ba sa tlholeng na tsaya meletlo eo tsia ka teng, ka jalo go diga bokao le boleng jwa boipuso. O buile jalo kwa phuthegong ya morafe e e neng e buisiwa ke boeteledipele jwa toropo bosheng. “Puso e itemogetse fa Batswana ba sa tlhole ba na le kgatlhego e e kalo mo go ketekeng letsatsi la boipuso le ntswa e le letsatsi le le tshwanetseng go tsewa ka manontlhotlho e be le fiwe seriti se se rileng"". Rre Boitshwarelo a re meletlo e tshwana le ya letsatsi la boipuso ke yone e ka thusang lefatshe leno go fitlhelela maikaelelo a lone a go nna tshaba e e bopaganeng ka ngwaga wa 2016. A re se ke ka go bo letsatsi le le supa dingwao tse di farologanyeng tsa merafe ya Botswana, e e tshelang ka thokgamo le kutlwisisanyo mmogo. A re fa Batswana ba ka seke ba eme ka dinao ba tsosolosa serodumo sa letsatsi la boipuso, dingwao tsa lefatshe leno le tsone di tlaa nyelela mme dikokomane di tle go di bala fela mo mekwalong. O boletse fa go le botlhokwa gore banana le bone ba nne le seabe mo meletlong ya go nna jaana, gore le bone bat le ka megopolo e mesha ya go ipelela letsatsi la boipuso. A re se se botlhokwa ka jaana ngwao e fetoga le ditlhabololo, mme banana ele bone ba ka thusang gore letsatsi la boipuso le tswelele le na le boleng. Molaodi o boletse gore ere ka jaana lefatshe leno le tlaabe le ipelela dingwaga di le masome a matlhano le ipusa ka 2016, go tshwanetse ga simololwa go ipaakanyetsa moletlo o motona oo gompieno. A re moletlo wa boipuso ke wa beng gae eseng badirelapuso, ka jalo go botlhokwa gore morafe e nne one o etelelang merero ya moletlo o pele. A re seabe sa badirelapuso ke go thus aka dithulaganyo le ditsompelo fela mme morafe one o itirele tiro ka botlalo. Rre Boitshwarelo o kopile gore batho a ititeye ka thupana ba tseye dikarolo tse di farologanyeng go rulaganyetsa moletlo oo, ele go o natefisa le go o busetsa seriti se se o tshwanetseng. Erile a tswa la gagwe, Kgosi Segale Letshele a re ere ntswa malatsi a boipuso a diretswe go ipelela ipuso ya lefatshe leno, bangwe ba dirisa malatsi ao botlhaswa ebile ba se mo moonong wa moletlo wa boipuso. O rotloeditse batho gore ba fokotse nnotagi ebe ba kgweetse ka kelotlhoko ka jaana bontsi jwa batho ba nna le dikotsi ka malatsi a boipuso. A re o lemotshegile fa tsela ya Kanye/Jwaneng e tshabelelwa ke dikotsi, ka jalo a rotloetsa gore batho ba ele tlhoko ntlha e, ba bo ba tsibose ba masika le ditsala go fema dikotsi. Kgosi Letshele gape o kopile morafe go babalela dithuto kwa malwapeng ka jaana bontsi jwa borukutlhi bo dirwa ka malatsi a boitapoloso a tshwana le jwa boipuso. Mongwe wa banana b aba neng ba tsene phuthego eo Letumile Tukunase o ne a tlhalosa fa ele boammaruri banana ba ntse ba ikgogetse kwa morago mo ditirong tsa toropo eo di akaretsa go ipelela boipuso. A re se se dirwa ke gore bogogi jwa motse bo ntse bo neela badirelapuso ditiro tsotlhe mme morafe o sale o sena seabe sepe. O tshepisitse fa jaanong ba tla a ikatumetsa gore le bone seabe sa bone se bonale, ebile ba solofetsa go dirisa ditalente tsa bone tse di farologanyeng go tlhabolola le go natetsha moletlo oo. A re se se tla a thusa gape gore go seka ga tsewa badiragatsi ba mafelo a sele bat la go natefisa mme le bone ba le teng. BOKHUTLO" politics 7 Morero ke konokono - Kgosi Kgosi Kegaisamang Ramokwena wa kgotla ya Boseja mo Maun a re go simolodisiwa ga komiti ya ditlhabololo tsa kgaolwana ya Boseja Bokone go dirilwe go setswe ditsamaiso tse di maleba morago. O boletse jalo gore bogogi jwa komiti bo ne jwa dira therisanyo le ba-na-le seabe botlhe ka ba ne ba lemoga fa banni ba ne ba latela ditlamelo kgakala ka kgaolo ya bone e le bophara. Kgosi Ramokwena o boleletse jalo banni ba Boseja Bokone gore e le bogogi ba ne ba dumalana le ba komiti ya dilthabololo go simolodisa komiti ka jaana ba ne ba lemoga fa seo e tlaa bo e le maiteko a go atumeletsa banni ditlamelo. O tlhalosiste fa ba ne ba tshwenngwa ke sekgala se banni ba se tsamayang go latela ditlamelo mme a supa fa le bone ba ne ba eletsa go diragatsa moono wa puso wa gore ditlamelo di atumelediwe batho. E re kgaolo ya Boseja e le bophara, bogogi bo ne jwa dumalana ka bongwefela jwa pelo go nna le dikomiti tse pedi ebong Boseja Borwa le Bokone gore ditlhabololo tse di dirwang di akaretse kgaolo yotlhe. Ka jalo bogogi bo ne jwa simolodisa e ntsha ya Bokone e e neng e rolelwa semmuso morafe le gone go supa diofisi tsa yone. Kgosi Ramokwena a re maiteko ao a supa fa go na le kgolo ya batho. A re ke keletso ya bone go tswelela ba atumetsa ditlamelo kwa bathong gore ba di akole bogaufi. Le fa go ntse jalo, o boletse fa a tlaa tswelela a dirisanya le dikomiti tsotlhe fa a santse a emetse gore ba bogosi ba sekaseke kopo ya gagwe. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Boseja Bokone, Rre John Keesi o boletse fa tshwaragano fa gare ga bogogi, bagwebi le banni e rena, a supa fa ba kgonne go ikemela le go ipelega ka thotloetso ya bone. A re e sale ba tlhongwa, ba kgonne go bula letlole la komiti, ba ikgokella metsi mo setsheng a supa fa dikago dingwe di tsweletse tse di dirwang ka madi a dikgalo tsa botlhophi. A re mo kgaolong ya bone ba segofetse thata ka jaana ba na le ditlhabololo tse dintsi di akaretsa dikgwebo, madirelo a puso jaaka dikole, kokelwana le dikole tsa ithutelo ditiro ya diatla tota. Rre Keesi o ne a supa dingwe tsa dikgwetlho tsa bone jaaka tlhaelo ya bodiredi kwa kokelwaneng. O ne a kopa gape gore kokelo eo e bereke e sa tswalwe ka jaana fa ba na le molwetsi wa tshoganetso, ba patelesega go ya kwa kokelwaneng ya Maun General kana kokelo ya Letsholathebe, a supa fa go le sekgala. Modulasetilo o ne a lela gape ka ditsha dingwe tse a reng di sale di abetswe banni mme ga di tlhabololwe. A re ditsha tseo di fetogile sekgwa mme seo se baya matshelo a banni mo boraing ka jaana dilalome di iphitlha mo go tsone. Mokhanselara wa kgaolo, Rre Kebonye Mphoyamodimo o ne a supa go ikanya Modimo le gone go reetsa dikgakololo tsa botsadi e le gone go ba kgontshang dilo tse dintsi mo kgaolong. A re e le bogogi go botlhokwa go lemoga gore konokono ya tiro ya bone ke go tlhabolola le go aga morafe e seng go nnela dikgang tse di thubang morafe. O boletse fa bogogi jwa kgaolo bo itlhomile kwa pele go supa lorato, go rotloetsa tshwaragano, mowa wa go ipelega gore ba kgone go fetola selebego sa kagolo ya bone. Rre Mphoyamodimo o boletse fa ba abetswe setsha se setona mme ba na le lenaneo la go se kagoganya gararo ka maikaelelo a go aga matlo a bonno, go nna le sa kgwebo le sa madirelo. politics 7 Bagokgo ba lela ka boitshwaro jwa bana Bangwe ba ba bagokgo ba dikolo tse di mo toropong ya Lobatse ba supile matshwenyego ka boitshwaro jo bo sa siameng jwa bana bangwe ba dikolo tsa bone. Bagokgo ba dikolo tse di akeretsang se segolwane sa Lobatse, Itireleng, Peleng Bophirima, le se se botlana sa Hill School ba supile matshwenyego ao mo bokopanong jwa komiti ya baeteledipele ba kgaolwana ya Peleng e e akaretsang bogosi jwa kgaolwana, komiti ya ditlhabololo, makhanselara le bagolo ba bangwe ba kgaolo bosheng. Mogokgo wa sekolo se segolwane sa Lobatse, Rre Moses Mongale a re, bangwe ba bana ga ba tsene sekolo sentle fa bangwe bone ba a nwa bojalwa e bile ba goga le motokwane, a tlatsa ka gore bangwe bone ba tshwarwa ka dithipa gone mo sekolong. O tsweletse a re, e ne ya re kgwedi eno e le lesome le bone ba tshwara basimane ba le barataro ba ba neng ba phunya marulelo a matlo a borutelo mme ba gogela motokwane mo go one. Rre Mongale a re seemo se sengwe se se ba tshwentseng thata ke se mo go sone bangwe ba bana ba ithomelang mo ntlong nngwe ya borutelo morago ga moo ba bo ba omisa mantle ao go dira peipi ka one ba bo ba a goga. O ne gape a bua a sa kgwe mathe ka batsadi, a tlhalosa fa ba le maoto a itshupa go tla go lekola gore bana ba dira jang mo dithutong tsa bone. A re le jone bokopano jwa batsadi le barutabana ga nke batsadi ba iponatsa mo go jone. A re ngwana o kgona go nna dingwaga di le pedi mo sekolong go sena motsadi yo o mo tseelang lokwalo le le supang gore o dira jang mo sekolong, a supa fa seemo seo se ba tshwentse fela thata e le barutabana. Rre Mongale o tlhalositse fa sekolo sa gagwe ele sengwe sa dikolo tse di ka dirang sentle mo ditlhatlhobong fa batsadi ba ka ema ka dinao go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana. Mo go tse dingwe bagokgo ba ne ba supa fa bana ba tla thari kwa dikolong,bangwe ba tla ba le leswe fa bangwe go tlhalosiwa ba inaakantse le bogodu. Rre James Sefhako yo e leng mothusa mogokgo kwa sekolong se se botlana sa Peleng Bophirima, o tlhalositse fa bangwe ba batsadi ba tlhapatsa barutabana fa ba ba kopa go tla dikolong. Bagokgo ba kopile gore baruti ba ikopanye le dikolo tsa bone go sedila bana maikutlo ka lefoko la Modimo, ba kaya fa gongwe motlha mongwe ditiro tse ba di dirang tsa botlhoka-tsebe di tla fela. Fa a ba kgwa dikgaba kgosi wa kgaolwana eo Rre Mpaesele Itumeleng o ne a re, e le komiti ba tshwanela ke go ithulaganya go bona gore ba thusa fa kae seemo se ise se tswe mo taolong, a tlhalosa fa ba tlhametse komiti eo gone go lwantsha diemo tse di tshwanang le botlhoka-tsebe jwa bana. Kgosi Itumeleng o supile gape gore e tla a re mo phuthegong nngwe le nngwe ba fe bagokgo nako ya go bua le batsadi ka thuto ya bana ba bone, a tlhalosa fa ba lemogile gore fa batsadi ba biletswa kwa dikolong ga ba iponatse,. Kgosi a re, le ka nako ya khiro ya ba Ipelegeng ba tla kopa nako gore bagokgo ba buise batsadi. E ne ya re a ba fa lefoko la kgakololo Assistant Superintendent Moses Kwarare a re batsadi ba emise go neela bana madi fa ba ya sekolong, a supa fa e le one a ba a dirisang go reka metsoko le majalwa. O tsweletse a re, batsadi ba ele tlhoko batho ba ba rekisetsang fa pele ga dikolo gore ao ba rekisetsa bana dilo tse di seng borai jaaka metsoko. E ntse e le kwa bokopanong joo, komiti e ne ya dumalana gore ba rotloetse banana ba kgaolwana eo go tsenelela mananeo a puso ba supa fa bontsi jwa borukhutlhi bo dirwa ke banana mo kagolong. Bokhutlo education 4 Boitshwaro jwa banana bo a hatlha Bogogi jwa Palla-Road mo kgaolong ya Mahalape bo supile fa bo sa itumelele go bona banana ba motse ba tsweletse ka go dirisa nno-tagi mo go feteletseng. Fa a bua mo potsolotsong bosheng mo boemong jwa bogosi jwa Palla-Road, kgosana ya tetano ya kgotla ya Ditimamodimo, Mme Enametse Sebolao, o thalositse fa tiriso botlhaswa ya nnotagi e e tsweletseng ka go golela pele mo bananeng ba Palla-Road e tsala bothoka tsebe mo dikolong le mo motseng. O thalositse fa banana gape ba inaakantse le go goga motokwane mme seo se oketse bothoka tsebe jwa bone. Are ditlamorago tsa tiriso bothatswa ya bojalwa le go goga motokwane di akaretsa dipolaano, dikiteo le petelelo. Mme Sebolao are ga gona mafelo a beke a a fetang ba sepodise ba isi ba begelwe ka melato e tshwana le dikiteo le dipetelelo mo Palla-Road, o thalositse fa mo ngwageng yo go nnile le dipolaano dile thano mo motseng wa Palla Road tse di amanang le tiriso ya nno-tagi. Go laola seemo se Mme Sebolao o thalositse gore bagogi ba motokwane ba tshwarwe ke ba sepodise bate bafe bosupi gore ba reka kae motokwane, gape o boletse gore seemo sa go dirisa bojalwa ka bofafalele se ka fokotsega fa barekisi ba bojalwa jwa setso ba ba sa obameleng dinako tsa go rekisa ba ka tseelwa dikgato tse di maleba. One gape a supa gore matshwenyego a mangwe a a apereng motse wa gagwe ele bogodu jwa leruo ke banni ba motse ba dirisana le ba ba nnang mo merakeng e e bapileng le motse. Fa a bua ka mananeo a puso mo motseng Mme Sebolao o thalositse fa banni ba motse wa Phala-Road ba inaakantse le mananeo a Ipelegeng, LIMID, Tirelo Sechaba ka dipalo tse di nametsang. O boletse fa banana le bagolo ba inaakantse le mananeo a nyeletso lehuma ka dipalo tse di kwa godimo mme one a supa matshwenyego a gore banni ba ba inaakantseng le le ditshingwana tsa merogo ba sa kgone go atega ka ntha ya thaelo ya metsi fa ba ba hirisang ditante basa bone kgwebo fa go sena manyalo mo motseng. Mo go tse dingwe Mme Sebolao one a thalosa gore Kgosi ya Mahalapye Rre Duncan Segotsi o ba solofeditse gore kgwedi ya Motsheganong ga e kake ya fela kgosi e e ntsha ya motse wa Palla Road e isi e thomiwe. Se se tla morago ga gore kgosi wa Phalla Road Kgosi Mogakolodi Mpaesele a thokafale ngwaga o o fetileng kgwedi ya Morule e simolola. society 9 Kgosi o tlaa tsaya tshwetso ka bogosi Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye a re motshwarelela bogosi jwa Bangwato Kgosi Sediegeng Kgamane o tlaa tsaya tshwetso e e maleba ka bogosi jwa Pallaroad.Kgosi Segotsi o buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo ka Labotlhano e e neng e bileditswe go tla go buisana ka kgang ya bogosi jwa motse oo. Se se tla morago ga go tlhokafala ga kgosi ya motse oo, Rre Mogakolodi Mpaesele ka ngwaga wa 2012, mme e sale ka nako eo motse oo o ntse o sena kgosi ka jaana go na le ngangisano ya gore ke mang yo o tshwanelwang ke go nna mo setilong sa bogosi jwa motse oo. Le fa go lebega go na le batho bangwe ba ba lebanweng ke bogosi jwa motse oo ka ntlha ya gore batsadi ba bone ba ne ba tlhomiwa go nna dikgosi tsa Pallaroad ke Kgosi Tshekedi le Kgosi Rasebolai Kgamane, morafe o supile fa o batla go itlhophela kgosi ka jaana go sena motho ope yo e leng mojaboswa wa bogosi kwa motseng wa bone. E re ntswa ba malwapa a boora Molosiwa le Ramabele ba e bileng e le bana ba motho ba supa fa e le bone ba lebanweng ke setilo seo, banni ba motse oo bone ba supile fa ba batla go itlhophela kgosi ya bone fela jaaka go ne go ntse go dirwa mo dingwageng tse di fetileng. politics 7 Letlhoko la mmaraka le ama molemi Molemi wa merogo kwa Tlhareseleele mo kgaolong ya Borwa, Rre George Pheko, a re ga a robadiwe ke go tlhoka mmaraka. Molemi yo mmotlana yoo o ne a simolola temo ya gagwe a sena go fenya dithuto tsa gagwe tsa go lema merogo kwa sekoleng sa ithutelo ditiro kwa Pelotshetlha gaufi le Kanye ka 2011. O ne a tlhalosa mo potsolotsong kwa ditshupong tsa temo-thuo tsa kgaolo-potlana ya Good Hope ka Matlhatso gore temo ya gagwe, e e ntsheditsweng madi ke lekgotla la Youth Development Fund, e lebagane le dikgwetlho tse di akaretsang go sa ikanyegeng le kwelo tlase ya ditlhwatlhwa. Rre Pheko a re kwa tshimologong o ne a lema dikhabeche ka nako e khutshwane le fa di ne tsa kgokgophala, ka jalo a simolola go lema ditlhatshana tse dingwe tse di ka dirisediwang melemo go leka go tswakanya temo ya gagwe. Mo nakong eno, Rre Pheko a re mogopolo wa go tswakanya temo ga o ise o nne le maduo ntateng ya go sa ikanyegeng ga seemo sa mmaraka. A re mabentlele a matona, one a ba solofelang go rekisa mo go one, a ipeela ditlhwatlhwa mme ba reke ditswatemong tsa bone ka lemmenyana fela. O boletse gore seemo se se dira gore ba tlhoke se ba ka se itirang fa e se go ineela fela mo go bone bareki bao mme seo se tlogele balemi ba le mo letlhokong le legolo la madi. A re tsholofelo ya gagwe e mo mmarakeng wa beetroot o o kgonegileng ntateng ya go nna teng ga lekgotla la balemi ba merogo ba kgaolo ya Borwa la Southern Horticultural Growers Association (SOHOGRA) kwa maloko a teng a kgonang go rekisa merogo ya bone mo go Mr Veg ka ditlhwatlhwa tse di botoka. Ka jalo, Rre Pheko o kopa mmuso go akanyetsa go tlhoma marekisetso a merogo, selo se a reng se ka kgontsha lefatshe leno go itemela dijo tse di lekaneng. economy_business_and_finance 3 Batshu o akgola UCCSA Mopalamente wa Nkange, Rre Edwin Batshu, o galaleditse kereke ya UCCSA go nna pelotlhomogi. Rre Batshu o buile seo kwa Shashe Mooke, fa maloko a kereke eo a ne a abela Rre Selelo Mbaya ntlo ya dikamore tse tharo ka Matlhatso. Rre Batshu, yo gape e leng Tona wa tsa Pereko le Selegae, a re kereke e dirile tiro e tona thata ka go tsibogela mokgosi wa ga Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama wa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. O tlhalositse fa mo botshelong batho ba sa lekane e se meno, ka jalo o rotloeditse kereke go tswelela ka mowa o montle wa bopelotlhomogi go thusa bao ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. O tladitse ka gore se se dirilweng ke kereke ya UCCSA ke sesupo sa gore ba tshela mowa wa tebelopele wa go nna tshaba e e kutlwelobotlhoko, e bile e kgathala ka matshelo a ba bangwe. Tona o bile a kgothatsa dikereke ka go farologana go tsaya malebela le go tshwaragana le puso go tlhabolola matshelo a setshaba ka kakaretso. A re seriti sa ope fela yo o tlhokileng lesego, e tshwanetse ya nna kgwetlho mo setshabeng, a tlhalosa gore thuso ke thuso fela go sa kgathalesege gore e bonnye bo kae. Le fa gontse jalo Tona Batshu o akgaotse dikereke go nna le seabe mo go tlhabololeng lefatshe leno. O tlhalositse fa dikereke di agile dipatela, dikole ba dira jalo ka mowa wa boipelego o mo nakong eno Batswana ba tshwanetseng go o tsosolosa go tsweledisa tsa ditlhabololo. Rre Batshu o tsweletse a tlhalosa fa mo nakong eno go setse go abilwe matlo a le 618, a tlatsa ka gore a le masome a mane le bobedi a sa ntse a agiwa mme a tlaa abiwa mo nakong e khutswane. Fa a tswa la gagwe Kgosi David Adam o ne a lebogela lenaneo la go agela batho matlo a re le dira pharologanyo, e e seng kana ka sepe mo matshelong a batho. Kgosi o bile a tlhalosa fa go le lesego letsogo le le abang go na le le le amogelang. Kgosi Adam o kgothaditse bao ba ba abelwang dimpho tse go di babalela ba itse fa ba di abetswe ka lorato le legolo. Fa a amogela mpho eo, Rre Mbaya o ne a supa boitumelo a re mpho e e tsile go mo fa seriti mo botshelong. religion_and_belief 8 Rammidi o leboga ba Kgomokasitwa Palamente e tla a phatlaladiwa ka Phatwe gore bo ntlhopheng ba ye go itlhokoletsa ditlhopho tsa setshaba. Mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Kentse Rammidi o buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Kgomokasitwa ka Labobedi (08/07/2014)fa a isa malebogo mo banning ba koo go nna le tirisano mmogo le ene mo dingwageng tse tlhano tse e neng ele mopalamente wa bone. Rre Rammidi a re o kgonne dilo dingwe tse ba neng ba di mo romile mme dingwe di padile. O boletse gore tse a di kgonneng di akaretsa go tlhotlhomisiwa ga madubadube a a neng a aparetse go phutlhama ga matlhabelo a Botswana Meat Commission, mogopolo wa gore badirela puso ba ba ratang temo thuo ba adimiwe madi go reka ditshukudu tsa temo go na le go reka dikoloi tsa mabono jaaka go dirwa gompieno, go lwantsha letlhoko la ditiro le go direla ba bangwe mebereko gammogo le go ntsha dijo. O tsweletse a bolela fa e mengwe e ne e le gore bodiredi jo bo amogelang madi a a kwa tlase mo pusong ba okelediwe madi go itepatepanya le seemo sa itsholelo sa gompieno se dilo di leng tlhwatlhwa godimo mo go tsitsibanyang mmele. O boletse fa a ne a tla ka mogopolo wa gore ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ba okelediwe lemmenyana le ba le fiwang gompieno le wa gore mapalamente le botona ba tshwanetse go supa di tsa bone fa ba tsena mo pusong morago ga ditlhopho. Fa ba mokgwa kgaba, banni ba re ba ngongorega ka tsela ya Tshweneyagae/Kgomokasitwa e ba sa bolong go solofediwa fa e tla tshelwa sekonotere, nako kgolo ke eno, e bile ba bolela fa ba batla go latela tautona ka sebele go itoka mo go ene ka gore barongwa ba tlhotswe. Ba boletse fa ba belaela gore tlhopho ga e na mosola mo go bone ka gore kwa metseng e mengwe ditsela di tsweletse di a dirwa le mororo go ntse gotwe ga go na madi. Ba kopile gore boralekgotla ba tetlanyo ba atswiwe ka sengwe le bone. Rre Rammidi o ba boleletse gore ka moseka phofu ya ga gabo a sa swe lentswe, ba tswelele ba kope tsela ya bone ka bopelotelele. Mo go tse dingwe, o ba rotloeditse go dirisa mananeo a puso a a leng teng, le go tlhokomela bana ba bone mo go tsa thuto. BOKHUTLO politics 7 Pula e ganyaola dihutshane kwa Mahetlwe Puo e e reng “pula madira dintle madira di botlhoko” e ka tlhaloganngwa botoka ke barui ba Mahetlwe kwa kgaolong ya Kweneng. Bangwe ba barui ba ne ba sala ba itshopere morago ga go gosomana ga pula e e tlogetseng dihutshane di ka tshwara masome marataro di sule ka Labotlhano bosigo. Mongwe wa barui ba ba amegileng ke Kgosi Okana Lesole wa kgotla ya Seleba kwa Mhetlwe. A re le ntswa pula e ne e le ee namagadi, bothata e nnile gore e ne ya dira serame se ba dumelang se amile leruo la bone le le neng le setse le tlhofofetse mo nameng. Kgosi Lesole a re boitumelo jwa go lebogela go na ga pula bo ne jwa phirimisiwa ke tatlhegelo ya dihutshane di le masome mabedi le bone tse bontsi jwa tsone e neng ele dipotsane. A re seru seo se sala morago bothata jo bo ntseng bo mo apere jwa go swelwa ke dikgomo tse some mo sebakeng sa kgwedi fa tse dingwe tse tharo di paleletswe mo nageng mme a sena tsholofelo mo go tsone O supile fa ba ntse ba le mo seemong sa go tlelwa ke boitlhobogo ka fa leruo la bone le neng le tlhofofetseng ka teng le kwelo tlase ya seemo sa phulo se se tsweletseng ka go bifela pele. A re le fa go ntse jalo ba na le tsholofelo ya gore go na ga pula eo go tla lere tse di molemo go tokafatsa seemo sa phulo. Mme Mositli Seleba o begile go amega ga dihutshane di le lesome le borataro, tse mo go tsone go neng go setse go sule tse nne, fa tse dingwe tse nne dine di kgaratlha ka bothata, mme a na le tsholofelo mo go di ferabobedi tse dingwe tsa tsone di neng di kgona go ikemeletsa. “Re ne ra nametsega dipelo ka gona ga pula, ka tsholofelo ya gore e re tlisetsa tse di molemo, mme re maswabi gore phularong ya yone re bo re lela sa khuranyo ya meno”, Mme Seleba a tlhalosa. Morui yo mongwe wa masimo a Motlhaba-wa-Lehuma, Rre Mogorosi Koboyakgomo ene o swetswe ke dipotsane di ferabobedi. Rre Koboyakgomo o ne a kuela dihutshane tse nne tsa baagisanyi ba mo nakong eo ba neng ba seyo go arabela tsa malwapa a bone. E re le fa seemo se ntse jalo, go na le poifo ya gore dipalo tsa leruo le le katswang le amegileng mo kgolong ya Mokwena di bo di ile magoletsa thata go ya ka tebego ya leruo le ka fa naga e gotlhegileng ka teng. BOKHUTLO society 9 Go itlhatlhobela malwetse go a boloka Batswana ba kopilwe go itlhatlhobela malwetse a a sa tshelanweng ka jaana a le borai. Mafoko a, a boletswe ke Kgosi Nobi Moilwa kwa Mogobane jaaka fa ba botsogo ba ne ba isitse ditlamelo kwa bathong bosheng. Kgosi Moilwa o ba gakolotse go itse seemo sa bone pele ga ba ka lwala, gore ba kgone go hema malwetse kana ba tseye kalafi go sale gale. O kopile Balete go itshwara sentle ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha, a supa fa go ka nna molemo go fokotsa modumo le go tlotlana, a bo a kopa gore fa ba na le mathata ba kope thuso mo mapodising. Kgosi o kopile batho ba ba ruileng go tlhokomela leruo la bone ka jaana balemi ba lemile, gore le seka la senya mo masimo. Mogolwane go tswa kwa ofising ya HIV/AIDS, Mme Tuelo Chibana, o tlhalositse fa maikaelelo a tiro eo e le go atumetsa ditlamelo kwa bathong ka jaana bangwe ba na le go itsapa go itlhatlhoba. Mme Chibana o tlhalositse fa ba tlisitse ditlamelo ka go farologana, a bo a kopa Balete go di dirisa. Mogolwane wa mapodise go tswa kwa Botswana Police College, Senior Supirentendent Lameck Gabakgorwe o ne a tlhalosa fa botsogo e le boitekanelo jwa nama, mowa le tlhaloganyo. O supile fa botsogo jwa tlhaloganyo e le seemo se motho a kgonang go direla lefatshe la gagwe le motse wa gagwe. O boletse gape fa tlhaloganyo e le yone e dirang gore motho a akanye a bo a tsaya tshwetso. O tlhalositse fa bolwetse jwa HIV/AIDS bo tlogetse bana e le bone ba ba eteletseng pele malwapa, a bo a tlhalosa fa go thibela go le botlhokwa go na le kalafi.Senior Superintendent Gabakgorwe o supile fa malatsi ano malwetse a a sa tshelanweng jaaka jwa sukiri le madi a matona e le one a a tshwenyang, a bo a supa fa malwetse a a ka kganelwa. O boletse gape fa ba ipeetse seelo sa gore go seka ga nna le mogare o mosha wa HIV ka ngwaga wa 2016, mme se se ka kgonega fela fa batho ba ka fetola boitshwaro. O tlhalositse fa palo ya dintsho tse di bakiwang ke bolwetse jwa HIV/AIDS di fokotsegile go tswa kwa go 14 000 ka ngwaga go ya kwa go 5 800. Erile a a fa malebogo, mokhanselara wa Mogobane, Rre Abram a supa fa go le botlhokwa gore batho ba ithute go tshela le balwala tlhaloganyo, ka jaana go lwala tlhaloganyo go le botlhoko go feta malwetse otlhe. O supile fa molwala tlhaloganyo a sa itirele sepe ka jaana a sa ipone, ka jalo go botlhokwa gore baoki ba bone ba ba ithute thata. O supa fa mo nakong ya gompieno botshelo bo le thata ka go sena metsi, a bo a ba kopa gore ba tsibogele go isa bana ba bone bongakeng fa ba sa tsoga. health 6 Banana ba rotloediwa go ikgapha mo nnotaging Kgosi Itsoseng Gaoonwe wa Letlhakeng o rotloeditse banana go ikgapha le go fokotsa tiriso ya dino-tagi ka di le diphatsa e bile di sa siamela matshelo a bone. Mo potsolotsong le A re selo se se mo swabisitseng nko go feta molomo ke gore ngwao ga e sa tlhole e salwa morago mo motseng oo. O tlhalositse fa pele e ne e le moila go fitlhela banana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi mo marekisetsong a dino tagi ba itisitse le batsadi. Kgosi o supile fa banana ba tshwarisitse batsadi bothata ka ba sa tlhole ba laolesega, segolo bogolo bana ba basetsana ba a supileng fa dikgwetlho tse ba ka kopanang le tsone di le kwa go dimo fa ba ntse ba tsamaya masigo. O ne a rotloetsa banana go emela matshelo a bone ka dinao, ka go se ope yo o ka a fetolang ntle le bone, a re banana ba tshwanetse go inaakanya le mananeo a puso a go simolola dikgwebo. O supile fa go nna le dikgwebo go ka thusa banana go ikgapha mo ditirong tse di tshwanang le dino -tagi ka nako e ntsi ba tlaabo ba e dirisa go tlhokomela dikgwebo tseo. Kgosi Gaoonwe o ne a kopa bagwebi ba marekisetso a dino-tagi go obamela dinako tsa thekiso go leka go hema botlhoka tsebe jo bo diragalang ko one. O kopile bagwebi ba o go fokotsa modumo, ka o tlhokisa batho boroko e bile o kgoreletsa le bana ba dikolo go ithuta. Bangwe ba banni ba motse ba re tiriso ya dino-tagi mo bananeng e ile magoletsa mme e felela e tlhokisa bone boroko. Ba supile fa badirisi ba dino-tagi ba siela mo malwapeng a bone fa dintwa di simologa kwa marekisetsong, ba re se se ba tshwentseng le go feta e bile se le borai. Ba ne ba ngongorega thata ka modumo o o ileng magoletsa ba re o kgoreletsa bana go dira tiro ya sekole. Banni ba ne ba kopa puso go thusa go leka go hema seemo seo ka se sa siamela motse wa bone, e bile se se ngomolang pelo se diragadiwa ke banana ba e leng bone bokamoso jwa lefatshe. E ne ya re a bua mo potsolotsong, Mothusa ramapodisi wa Letlhakeng, Superintendent Moses Morolong, a supa fa sepodisi se leka ka bojotlhe go hema tiriso ya dino-tagi go akaretsa banwi ga mmogo le bagwebi. O tlhalositse fa lekalana leo le ntshitse mapodisi a a tsamaya bosigo go bona gore marekisetso a tswalwa ka nako, a tlatsa ka gore nako tse dingwe ba kgona go fitlhela bangwe ba bagwebi ba ikokeleditse nako ya go gweba mme ba ba atlhole madi a a ka tshwarang P1 000. Rre Morolong o kaile fa nako le nako ba tshwara dithuto puisanyo le bagwebi go amogana le bone ka fa ba tshwanetseng go tlhokomela, go sireletsa ga mmogo le go tsamaisa dikgwebo tsa bone kaq teng. Le fa go ntse jalo, o ne a kgala badirisi ba dino-tagi ka go tlhoka boikarabelo ga bone mme morago go felele go rwesiwa bagwebi molato. O supile fa ditiragalo di le dintsi di akaretsa go tlhokelana maitseo ga mmogo le dintwa tse di felelang di baka dintsho di diragala kwa ntle ga marekisetso ka dinako tsa pereko. A re nako tse dingwe bagwebi ba rwesiwe molato ka magatwe a gore ba gweba morago ga nako e e ka fa molaong. ENDS education 4 Go aba dimpho go tiisa moko Dikole tse dipotlana tsa kgaolo ya Bobirwa di kailwe fa e le dingwe tsa dikole tse di ntshang maduo a a nametsang a lekwalo la bosupa. Se se builwe ke mothusa ramapodisi wa pele, Rre Diphatsa Patiko, kwa moletlong wa kabo dimpho o o neng o tshwaretswe kwa sekoleng se sebotlana sa Madikwe Lwetse a robabongwe. Rre Patiko a re go abela baithuti dimpho go ka ba tiisa moko, a tlasa ka go supa fa mokgwa wa go aba e le dingwe tsa ditsetlana tse di kwadilweng mo tebelongpele ya setshaba ya ngwaga wa 2016. O gwetlhile baithuti go tsaya thuto ya bone ka tlhwaafalo ka e le yone e ka ba betlelang isago e e siameng. Rre Patiko o supile fa thuto e le boswa jo bo sa feleng. O rotloeditse baithuti ba ba sa tsayang dimpho go itsa mokgwa wa boitlhobogo mo go bone a ba a ba rotloetsa gape go dira ka thata mo nakong e e tlang. O ne gape a abela sekole madi a a kana ka P2 500 le podi. Rre Patiko o supile fa sekole sa Madikwe se dira bontle thata mo metshamekong a tlatsa ka gore go na le moithuti mongwe wa sekole seo yo o tshamekang chese yo o tlaa emelang kgaolo ya Bobirwa mo metshamekong ya boditshabatshaba. Fa a latlhela la gagwe, mogokgo wa sekole seo, Rre Kelapile Patiko o supile fa go abela baithuti dimpho e le tsela nngwe ya go ba rotloetsa go ithuta ka tlhwaafalo. Rre Patiko o supile fa ba na gape le mananeo a tshwana la Excellence Award le le abelang barutabana le baithuti dietsele. A re ngwaga wa 2013 fa sekole se ne sa pasa ka maduo a 76 per cent, 2014 72 per cent fa ngwaga o o fetileng sekole se ne sa pasa ka maduo a 74 per cent mo maduong a lekwalo la bosupa la makgaolakgang. education 4 Bogodu jwa megala ya letheka bo a kekela Mapodisi a re a tshwenngwa ke bogodu jo bo ileng magoletsa jwa go phamolela batho megala ya letheka kwa mapalamelong a dibase. Mo potsolotsong bosheng, mookamela mapodisi a Mahalapye Legare, Superintendent Boitshepo Mudongo o tlhalositse fa bogodu jo, bo tsweletse ka go golela pele. Supt Mudongo o supile fa ba tshwenngwa gape ke batho bangwe ba ba santseng ba tsweletse ka go amogwa madi ke magodu ka boferefere. A re selo se le sone se a ba tshwenya ka gore ba dirile maiteko a mantsi go tsibosa setshaba ka methale e ya borukutlhi. O kopile setshaba go nna kelotlhoko le go emisa go tshepha mongwe le mongwe yo ba kopanang le ene, bogolo jang fa a ba tshephisa go ba ntsifaletsa madi kgotsa ba ba ja ka leleme ba re o ka ba porofita. A re boferefere jo ke nngwe ya methale e magodu a e dirisang go utswela batho madi bonolo. crime_law_and_justice 1 Lemogang botlhokwa jwa dikgosi Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane a re magosi a na le seabe sa popota mo go nosetseng thokgamo le puso ya batho ka batho. Rre Tsogwane o buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse di tsweletseng mo kgaolong ya Boteti Bophirima. Mothusa Tautona a re ka jalo dikgosi ga di a tshwanela go itshunya nko mo mererong ya sepolotiki. Fa a bua kwa Mokobaxane, Orapa le Mopipi, Rre Tsogwane a re tsamaiso ya bogosi ke letshego la ngwao le tsamaiso ya Setswana, ka jalo go botlhokwa go lemoga seabe sa jone mo go bopaganyeng tshaba ya Botswana. Rre Tsogwane a re le fa puso e tsamaisiwa ke sepolotiki, magosi ga ba a tshwanela go amana le yone ka gope. A re ba tshwanetse ba itse seabe sa bone mo pusong ya batho ka batho. “Go botlhokwa go lemoga botlhokwa jwa bogosi, e bile re di farologanye le boeteledipele jwa sepolotiki. Bogosi bo na le tsela, morero le thulaganyong e bo tsamaisiwang ka yone,” ga tlhalosa Rre Tsogwane. Le fa go ntse jalo, Rre Tsogwane a re o leboga seabe sa magosi a kgaolo ya Boteti Bophirima mo go tsamaiseng mananeo a ditlhabololo ba tshwaraganye le mapolotiki go sena makgwere. “Thomo e ke neng ke e filwe mo dingwageng tse tlhano, e tla bokhutlong, ka jalo ke tshwanetse ke leboge botlhe ba ke ntseng ke bereka le bone, le go ba lemotsha gore ke kgonne ka thata le thuso ya bone. Ke berekile le magosi, re sa gotlhagotlhane, mongwe le mongwe a tsamaya ka tsela ya gagwe, a itse seabe sa gagwe mo go thuseng go tlhabolola morafe wa Boteti,” Rre Tsogwane a konotelela. E rile a amogela Mothusa Tautona kwa kgotleng ya Orapa ka Mosupologo, Kgosi Baruntshi Kegapetswe wa Letlhakane a supa gore puso le magosi ba ntse ba dira ba tshwaraganye le ba meepo ka go farologana go tlhabolola kgaolo-potlana ya Boteti. Le fa go ntse jalo, Kgosi Kegapetswe o tlhalositse gore toropo ya Orapa e santse e sena moeteledipele wa bogosi, morago ga go wela ga konteraka ya ga Kgosi Christina Moloi, yo o ntseng a eteletse toropo eo pele. O supile botlhokwa jwa gore phatlha eo, e kajwe ka gore morafe wa Orapa o na le dikgang tse di tlhokang go rarabololwa ke kgosi. Kgosi Kegapetswe a re mo lebakeng le a ntseng a thusa go tsamaisa merero ya setshaba kwa kgotleng ya Orapa, o lemogile fa go na le mekgwa mengwe ya borukutlhi e e tshwenyang jaaka tiriso ya ditagi, ka jalo a re go botlhokwa gore batsadi ba tshwaragane le magosi go fa bana molao o o ka thusang gore ba ikgaphe mo dilong tse di ka ba senyetsang isago. Kgosi Kegapetswe o ne a supa gore nngwe ya dikgang tse di tshwenyang magosi ke ya bana ba ba phuaganngwang ke borraabo. A re keletso ke go fokotsa bana ba ba senang tlhokomelo ya borraabo. politics 7 Tokong o itshetsa ka tee ya motlopi Mme Tshepo Tokong wa Kokong mo kgaolong ya Borwa, yo o itshetsang ka go dira tee ka modi wa motlopi, a re tee eo e aga malwapa. Mme Tokong o buile jalo mo potsolotsong ka letsatsi la bagwebi mo Kanye bosheng. A re o thusitswe ke puso ka lenaneo la nyeletso lehuma go itlhamela kgwebo eo. A re o lemogile fa bangwe badirisi ba tee eo ba ba supileng fa e rile pele ga ba e dirisa ba bo ba tshelela mo letsapeng ba sa kgone go dira dilo ka bontsi, mme jaanong ba le matlhagatlhaga, selo se ar eng se thusitse go aga malwapa a a neng a setse a thubega. Mme Tokong a re tee eo e fokotsa letsapa le le feteletseng e bile e thusa go repisa mala a a omeletseng. O tlhalositse fa tee eo o ka e loka ka sukiri le mashi fela jaaka nngwe le nngwe kgotsa wa e dira ka metsi a a molelo fela. BOPA economy_business_and_finance 3 Therisanyo mmammane mo bogosing E rile bosheng banni ba kgotla ya Rungwane kwa Moshupa ba baya kgosana e e atlholang Rre Motsholetsi Dilemogo mo setilong. Dibui ka go farologana go balelwa Kgosi Oscar Mosielele wa Moshupa di mo gakolotse gore o tshwanetse a itse gore kgosi thothobolo e o lela matlakala mme e bile a tseye batho ba gagwe ka tekatekano go sa kgathalesege gore o ratiwa ke mang o ilwa ke mang mo gare ga bone. Kgosi Mosielele o tlhalositse fa Rre Motsholetsi a tsaya maemo ao mo go rraagwe yo o sa tlholeng a tsoga sentle jalo a bolela fa bogosi bo sa tshwanela go lwelwa ka lesika la bogosi le itse motlhala wa jone. O kgothaditse Kgosana Dilemogo go tsosolosa serudumo sa kgotla ya gagwe, go rerisane le morafe le go ba itsise ka diphuthego tse di tshwarwang kwa kgotleng kgolo ya Moshupa. O boletse fa kgosi a tshwanetse go nna malala a laotswe nako tsotlhe e bile a sa tshwanela go tshaisa. Kgosi Mosielele o tsweletse a re kgosi ga a tshwanela go nna loleme e bile o tshwanetse go tshwara diphiri tsa batho ka tekatekano. O mo kgothaditse go ikgapha thata mo dipolotiking tsa diphathi. O mo rotloeditse go bereka le dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse, makhanselara le morafe ka kakaretso. O tsweletse a mo gakololwa gore a seka a rekwa ka bojalwa e bile gape a se tsiediwe ke basetsanyana mme e bile a re o tshwanetse go apara sentle. O boletse fa go nna kgosi ele boithaopo ka ba amogela madi a mannye fela thata. BOKHUTLO politics 7 Balemi ba itumelela thuto Balemi ba masimo a Mathibatsela gaufi le motse wa Khudumelapye kwa kgaolong ya Kweneng, ba ne ba phuthaganetse kwa masimong a ga Mme Festinah Bakwena, go ya go ithuta ka go lema le go paka dijo tsa leruo. Erile a amogela baeng kwa dithutong tseo, molemi Mme Phone Lebeko o ne a supa fa ba ne ba kopa molemisi wa kgaolo ya bone go ba fa dithuto tseo, ka ba ne ba lemoga fa ba sa dire dilo dingwe sentle, a bo a supa fa molemisi a ne a phutha balemi ba bangwe gore ba tle go ithuta ka go lema nawa ya lablab, e gantsi balemi ba kgaolo eo ba e lemang mme ba sa tlhaloganye gore e tshwanetse go lengwa leng, e kgaolwa jang le gone go e paka tota. O ne a supa fa monongwaga pula e ne e le ntsi fela thata, mme le fa masimo a tlhagotswe a sa supe ka tlhaga e tswelela ka go tlhoga. Mogolwane go tswa kwa ofising ya temo-thuo Rre Kabelo Dintwe,o ne a supa fa lablab e tshwanetse go lengwa ka kgwedi ya Phalane le ya Ngwanatsele mo borwa jwa lefatshe leno, ka jaana mariga a goroga ka bonako mo kgaolong e. O supile fa e tlhoka go lengwa ka ditselana, e fiwe phatlha e tona jaaka dinawa ka jaana e nama, a bo a supa fa le yone fela jaaka dijwalo tse dingwe e tlhagolelwa. Rre Dintwe o supile gore fela fa nawa e e ntsha peo e a kgaolwa gore e seka ya latlha dikotla. O supile gore fa nawa e e kgaolwa, ga e ntshiwe le kutu, a supa fa e na le dikotla tse di tshwanetseng go sala mo mmung. O boletse gape gore fa dipula di na sentle, nawa e e kgona go rojwa gabedi fa e lemilwe ka nako e e siameng. Erile a ruta ka go paka thobo ya lablab, mogolwane go tswa kwa ofising ya temo-thuo kwa Letlhakeng Rre Bobby Ramotho, o ne a supa fa nawa eo e tshwanetse go kgaolwa e bo e bewa malatsi a le mabedi go ya kwa go a le mararo gore e gamoge metsi. O supile fa molemi a tshwanetse go dira foromo ya mapolanka ya boleele jwa 90cm x 60cm x 60cm, a bo a reka le mogala o a tsenyang mo foromong eo fa a setse a roba, mme a tsenye thobo e e gamogileng metsi eo, a bo a e gatagata ka maoto go fitlhela e tlala. O supile gore fa molemi a sena go tlatsa foromo, o tshwanetse go bofa mogala a bo a somola foromo, mme a bo a kala ka selekanyo sa 15kg. O supile gore thobo e e tshwanetse ya nna le mabolokelo a a ageletsweng sentle jaaka a dikoko, a bo a rulelwe gore go seka ga nna diji dipe tse di tsenang moo. O boletse gape gore fa thobo e pakiwa, e tshwanetse go nna le phatlha e phefo e ka tsenang ka yone, gore e seka ya felela e bola ka jaana e sa fela go oma. O boletse gape gore thobo e seka ya bewa mo letsatsing ka e ka omelela matlhare, le gone gore e seka ya bewa mo dipuleng ka e ka bodisiwa ke metsi. O tlhalositse fa tiro e gape e lekanye go dirwa ke batho ba le babedi, mme ba tshwanetse go ntsha dikale di le masome matlhano ka letsatsi. Rre Ramotho o tlhalositse gore fa dijo tse di fiwa leruo lantlha, le tshwanetse la tsenyediwa go le gonnye ka jaana di bipela, mme gape e tshwanetse go silwa e bo e kopanngwa letlhaka le le sidilweng, mme le fiwe leruo go ya ka dingwaga tsa lone. O tlhalositse gape fa puso e na le lenaneo la go agela balemi mabeelo a dijo le thuso ya go rekela balemi motshine o o silang letlhaka. BOKHUTLO education 4 BCP ga e gane bokopano Ntlhopheng wa bokhanselara wa Botswana Congress Party (BCP) kwa Lotsane mo kgaolong ya Palapye, Rre Maina Kgopo, a re BCP ga e a gana go kopana le diphathi tse di ngwe tsa kganetso. E rile a bua mo phuthegong ya phatlalatsa e e neng e tshwaretswe mo kgaolong ya Morupule kwa mabaleng a sepolotiki a Mogotlho, Rre Kgopo a tlhalosa fa BCP e le yone phathi e e batlang gore diphathi di kopane, a fa sekai ka diphathi tse tlhano tse a reng di kopane le yone jaaka Botswana Independent Party (BIP) le National Democratic Front (NDF) le tse dingwe. Rre Kgopo a re bone e le ba phathi ya BCP ba sa ntse ba na le keletso ya go kopana le diphathi tse dingwe tsa kganetso go lwantsha go tsaya puso mo phathing e e busang. O tsweletse ka go kopa batlhophi ba kgaolo ya Morupule mo Palapye go tlhopha Rre Jordan Makhura go ba emela kwa khanseleng. Bokhutlo politics 7 Seakgano o paka lenaneo Batswana ba tsweletse ka go inaakanya le mananeo a puso ka go farologana go inamola mo lehumeng. Fa a bua mo potsolotsong, Mme Mosetsana Seakgano a re o ne a na le keletso ya go nna morui mme ka a ne a sena se a nang naso go ka itshimololela kgwebo, o ne a ikgolaganya le ba ofisi ya Gender Affairs go kopa tsa madi. Mme Seakgano a re gore kopo ya gagwe e atlege ka Motsheganong o ne a isiwa dithutong tsa botlhokwa jwa go boloka madi le go a dirisa ga mmogo le go tsamaisa kgwebo. A re ba ne ba gakololwa gore ba seka ba reka ka madi otlhe, ba bee bontlha bongwe jwa one gore ba tle ba ipheme mathata fa leuba le ka ba tlhasela. O tlhalositse fa e ne ya re a sena go thusiwa ka madi a reka didirisiwa di tshwana le jojo, diphoko tse nne, diphelehu tse pedi, dinku di le masome a mabedi le motso le dipodi di le masome a mabedi. Mme Seakgano o ne a gakolola bagolo gore ba seka ba itlhoboga fa ba kopa mananeo le go ikela kwa diofising go ya go itseela ka tsebe gore mananeo a bereka jang, e bile a supa fa kgwebo ya dihutshane e le bogadi bo gaufi. O tlhalositse fa a ise a kopane le dikgwetlho tse dintsi ka ke gone a tlhatlhelang dihutshane, ka jalo a tlhalosa fa thuo ka kakaretso e angwa ke dikgwetlho di tshwana le dibatana jaaka bophokoje le bophiri, malwetse, leuba ga mmogo le bogodu. A re maikaelelo a gagwe ke go atisa loruo gore lo tle lo mo tshetse, e bile a lebogela puso, maikaelelo a yone a go ntsha Batswana mo lehumeng le go fokotsa letlhoko la ditiro le le apesitseng lefatshe ka bophara ka go fa Batswana mananeo. O rotloeditse Batswana ba ba mo dikgwebong go nna pelotelele le go fa dikgwebo tsa bone lorato. ENDS economy_business_and_finance 3 UCCSA e ipelela letsatsi la thobo Kereke ya UCCSA kwa Selebi-Phikwe e ne e ipelela latsatsi la thobo. Ba ne ba ipela ka setlhogo se se reng Itseng Jehovah e le Modimo, Tsenang ka Dikgoro tsa Gagwe go mo Ntshetsa Malebogo. Mokwaledi wa kereke eo, Rre Edwin Mosweunyane o tlhaloseditse BOPA fa kereke eo e tshwara moletlo oo ngwaga le ngwaga kgwedi fela pele ga ngwaga o fela. A re moletlo o o dirwa jaana se e le go leboga Modimo ka go ntsha dimpho, dingwe tsa dimpho tseo e le go itlama go thusa bangwe banni ba Selebi-Phikwe ba ba dikobo dikhutshwane ka jalo toropo eo e wetswe ke seru sa go tswalwa ga moepo. Maloko a kereke go tsweng mo dikgaolong tse di farologaneng jaaka Tonota, Maun le Sefhophe a ne a nna le seabe mo go ntsheng dingwe tsa dimpho di akaretsa dikgomo, madi, dijo le tse dingwe. Ba ne ba wetsa letsatsi ka go ja dingwe tsa dijo tsa Setswana jaaka bogobe jwa lerotse, dinawa le tse dingwe e le tsela nngwe gape ya go rotloetsa Batswana go ja dijo tsa setso tse di tswang mo temong. religion_and_belief 8 Tlhaelo ya bodiredi e ngongora makhasalara Makhanselara a Letlhakeng ba ngongorega ka tlhaelo ya bodiredi mo mafelong mangwe a kgaolo potlana. Ba ntshitse ngongora eo mo phuthegong ya khansele potlana ya Letlhakeng bosheng. Makhanselara a nankotse mafelo a tshwana Maboane, Tsetseng le Moshaweng e le mangwe a mafelo a nang le tlhaelo ya bodiredi bogolo jang bakenti. Mokhanselara wa Moshaweng, Rre Tshepiso Lesope o supile ka monwana ofisi ya temo-thuo mo kgaolong potlana ya Letlhakeng a re e goga dinao go etela kgaolo ya Moshaweng. Mokhanselara Rre Lesope a re kgaolo ya Moshaweng e saletse kwa morago mo go tsa temo-thuo. A re fa e sale lenaneo la go tlhabolola leruo le simolola, kgaolo ya Moshaweng ga ise e akole thulaganyo eo ya kgodiso ka seatla. Rre Lesope a re ba tlhoka mokenti kwa Moshaweng, ka tota go le gantsi mokenti o isiwa sekoleng kgotsa a ya go direla go sele mme banni ba tlogelwe ba sena yo o ba thusang. Fa a mo tlatsa, mokhansela wa Motokwe Mme Beauty Bogale, o tlhalositse fa kwa Motokwe go na le mokenti mme a gama a ikotelela ka a tshwanelwa ke go thusa kgaolo ya Motokwe le Tsetseng ka go sena mokenti. Fa a lekodisa khansele ka tsa temo-thuo mogolwane mo ofising ya temo-thuo mo kgaolong potlana ya Letlhakeng mme e itebagantse le tsa dijwalo, Mme Kgotso Madisa, o supile fa mokenti a kgona go tsewa a ya sekoleng kgotsa a ya go direla go sele. O tsweletse a bolela fa tlhaelo ya bakenti e bakilwe ke go tlhagoga ga bolwetsi jwa tlhako le molomo kwa dikgaolong dingwe tsa lefatshe leno. Mme se se nnile le seabe se segolo, ka bakenti ba kgona go tsewa go ya go thusa kwa kgaolong e e amilweng ke bolwetsi jo. O ne gape a bolela fa kgaolo ya Kweneng Bophirima e saletse kwa morago mo thekisong ya dikgomo go thusa bao ba ba wetsweng ke seru sa tlhako le molomo. Mme Madisa o ikuetse mo boeteledipeleng jwa kgaolo potlana ya Letlhakeng go rotloetsa batho go rekisa dikgomo. O ile gape a tlhagisa fa lenaneo la go gokela dikgomo manyena le go di jesa omang le tsweletse, a tlatsa ka gore mo kgaolong potlana ya Letlhakeng lenaneo le le simolotse kwa Motokwe mme le tla anama le mafelo a mangwe a kgaolo potlana. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Ba ngongorega ka tiego ya peo ditsha Banni ba kgaolwana ya Moiyabana mo kgaolong ya Serowe borwa ba supile ngongorego ka go diega ga go beiwa ditsha. Ba supile se ka Labone (09/07/2015) fa ba lephata la kabo ditsha ba ile go kwadisa ba eleng gone ba itekang lesego go batla ditsha. Fa a ntsha ngongorego modulasetilo wa komiti ya banana ya kgaolwana a re ba amiwa thata ke kgang e ka jaana ba kgona go kokotletsa madi, ba a beetse kago mme ere morago ba palelwe ke go a baya ba felele ba a dirisa. O kaile fa seemo se se ba dia go itirela ka jaana ba golela mo malwapeng a batsadi ka jalo ga ba a phuthuloga go ikakanyetsa go tsweledisa matshelo a bone. Mongwe wa banni mme Ontlametse Kekgabile a re ba kabo ditsha ba tshwanetse go ba tsibosa ka mabaka a dirang gore go nne le tiego ya go beiwa ga ditsha. O ne a tlatsa ka go re ba tshwanetse go bolelwa fa melao ya peo e fetolwa. Mongwe wa banana a re ba tshwanetse go itsisiwa fa ba kabo ditsha batla go kwadisa ba ba itekang lesego, eseng go tshoganetswa fela bas a itse sepe. Fa a ntsha la gagwe Kgosi Mokopakgomo Kgomokgwana a re le ene o tshwenngwa ke tiego ya go beiwa ga ditsha ka jaana le ene a sa bone boroko ke dipotso tsa banni ka ditsha. A re e ne yare ka kgwedi ya Hirikgong a bitsa borara jwa kgaolo go bua le bone ka kgang e, mme ba felela ba sekaseka mafelo a ba kabo ditsha baka segang ditsha teng. Kgosi Kgomokgwana a re erile ka ngwaga wa 2010 ba ntsha lefelo mme ga diriwa moalo o go neng ga supega fa o sa atlega ka lebaka la gore o ne o sa siama. Fa a tsibogela dingongorego tsa banni modiri wa lephata la kabo ditsha Rre Batlang Mathiba a re ene yare ka kgwedi ya Seetebosigo mono ngwaga ba buisa diphuthego go bolelela banni ka mathata a bone a go diega ga go beiwa ditsha tsa bonno. A re lephata la bone ga le sa thole le dira thulaganyo ya go baya ditsha ba le nosi ka jalo ba bo ba emetse dikarabo mo maphateng a ba berekeng le o ne jaaka la khansele. BOKHUTLO politics 7 Dikomiti tsa ditlhabololo di inaakantse le polotiki Makhanselara a kgaolo-potlana ya Serowe ba ngongoregile ka maloko mangwe a dikomiti tsa ditlhabololo ba ba ikgolagantseng le diphathi dingwe tsa sepolotiki. Ba buile jaanabosheng kwa phuthegong ya khansele e e tsweletseng kwa Serowe. Ba boletse fa seo se dira gore go nne le dikgogakgogano le go kgethololana fa go tla ditiro tsa morafe. Ba re mo gongwe go nna le tlhoka-tirisanyo mmogo le makhanselara,l segolo bogolo fa ba farologana ka diphathi tsa sepolotiki mme seo se kgoreletse ditlhabobolo mo metseng mengwe. Fa a akgela, mokhanselara wa Tidimalo kwa Serowe, Rre Solomon Dikgang o tlhalositse fa dikgogakgogano di busetsa mananeo a puso kwa morago le go emisa ditlhabololo. O kopile gore di Village Extension Teams di thuse dikomiti tsa metse ka bogakolodi, a kaya fa maloko mangwe a le ditlhogo dithata le fa ba gakololwa ke bodiredi le makhanselara. Rre Dikgang o kopile gore melawana ya di VDC e sekasekwe gore ba seka ba itirelela. O boletse fa mo gongwe go dirwa ditlhabololo kwa metseng dikomiti tse dingwe di sa rerisane le makhanselara a kgaolo le mororo makhanselara e le bone ba buelelang ditlhabololo kwa khanseleng. Mokhanselara, Rre Entetse Boitshwarelo wa Mmashoro o kaile fa maloko mangwe a sa dirisane le bodiredi jo bo mo motseng. O boletse fa ditlhabololo dingwe kwa Mmashoro e le seemera. A re lehuti la matlakala le santse le padile jaanong leruo le phatlalatsa matlakala a a beilweng fa go sa sireletsegang le ene a ngongorega ka go tlhoka go dirisana ga maloko a VDC le badirelapuso jaaka e le bone bagakolodi. O boletse fa sepolotiki se tsentse tsebetsebe mo go dirang gore go nne le makgamu mo go feletsang go emisitse ditlhabololo. Fa mokhanselara wa Serokolwane kwa Serowe, Rre Motlalekgosi Molefhi ene a boletse fa batho ba ba apeelang babereki ba Ipelegeng go lebega ba sa apeele fa go phepa ka gore bangwe babereki ba gana go ja dijo tsa bone. O kopile gore ba khansele ba etele kwa ba apeelang teng go bona gore a go phepa. A re maloko mangwe a VDC ba iphira mo Ipelegeng e bile bangwe ba tsaya lebaka le le leele, bangwe e re fa ba tlhophololwa mo VDC ba simolole go apeela babereki ba Ipelegeng ba sa fe ba bangwe sebaka sa go itatswa diatla. Makhansalara ba kopile gore melao e e tsamaisang dikomiti e lejwe sesha ba lese go itirelela. politics 7 Guma o akgola ba Mbalambi Mogwanto o o duelelwang ke mongwe wa methale e Batswana ba o dirisang go kgobokanya madi a a ka ba thusang go ipelega fa ba na le tiro nngwe e ba ikaelelang go e dira. Barutabana le baithuti ba sekole se sebotlana sa Mbalambi gammogo le banni ba motse oo, kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba le bone ba ne ba bona fa mogwanto o o duelelwang o ka ba tswela mosola tebang le maitlamo a bone a go agela mo-na-le bogole Rre Bangwe Matshana ntlo. E re ka jaana go twe mokoduwa go thusiwa o o itekang, ba Mbalambi ba ne ba itshokela serame mo mosong wa Matlhatso, ba inaakantse le mogwanto wa dikhilomithara tse di lesome le borataro, e le mosepele o o duelelwang go tswa Zwenshambe go ya Mbalambi, go kokoanya madi a go tsweledisa kago ya ntlo eo morago ga gore ba dire motheo wa yone. Le fa gontse jalo, dipelo tsa bone di ne tsa boela mannong ka jaana mopalamente wa Tati Botlhaba, Rre Guma Moyo yo o neng e le ene motsamai yo mogolo wa mogwanto oo, a ne a ba itsise fa a tlaa ntsha didirisiwa tsotlhe tsa kago, P5 000 le go gokela metsi mo setsheng seo, sa ga Rre Matshana. Ka jalo Rre Guma o ne a kopa ba Mbalambi go dira dithulaganyo mo nakong e e sa fediseng pelo go bona ka fa didirisiwa tseo di ka gorogang ka teng kwa Mbalambi, a re o eletsa go bona mo mafelong a Phukwi ba weditse maitlamo a bone a kago ya ntlo eo. A re se ba se dirileng ke tiro e ntle ya go supa mowa wa neelano le setho se Batswana ba tlholegileng ka sone, a re Batswana ba tswa kgakala ba tshela ka setho sa go akanyetsa bangwe ka bone, ka jalo a kopa gore mowa oo, o tsweledisiwe go ya go ileng. Mopalamente Guma o tsweletse a supa fa se ba se dirang se tlaa dira pharologanyo mo botshelong jwa ga Rre Matshana, bogolo jang ka a sa kgone go itirela sepe, ka jaana e le motho yo o tsamayang ka thuso ya kolotsana. Le fa go ntse jalo, o ne a ba gwetlha gore ba thuse Rre Matshana fa go kgonagalang teng gore a kgone le ene a itirele sengwe mo botshelong. Mogokgo wa sekole sa Mbalambi, Mme Sophie Pharo o ne a supa fa a ne a tlelwa ke mogopolo wa gore e re jaaka sekole sa bone se tlaa bo se ipelela dingwaga tse di masome mararo monongwaga, ba dire motlhala ka go thusa mongwe. BOKHUTLO politics 7 Moruti o rotloetsa lenyalo pele ga tlhakanelo dikobo Moruti Thapelo Boemo wa kereke ya Healing Waters kwa Francistown a re batho bangwe ba ba iphitlhelang ba tlhakanetse dikobo pele ga lenyalo ba kgona go felela ba le mo seemong se se thata fa ba tshwanetse gore ba tsene mo lenyalong. E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, Moruti Boemo a tlhalosa fa tlhakanelo dikobo e sa tshwanela go nna sengwe se batho ba tshamekelang mo go sone kgotsa e le nngwe tsela ya go itlosa bodutu jaaka bangwe ba dira. Moruti Boemo a re nako le nako fa motho a tlhakanela dikobo le yo mongwe, o fa motho yoo karolo nngwe ya botshelo jwa gagwe. Le fa gontse jalo, Moruti Boemo o tlhalositse gore mme fa motho a setse a kile a tlhakanela dikobo kwa ntle ga lenyalo, o ka ikgolola mo meweng e e maswe ka go ineela mo tumelong le go kopa dithapelo mo baruting go mo golola mo meweng e e sa siamang eo. Mme Goitseone Garechaba, wa dingwaga tse di masome a matlhano le boferabobedi yo eleng monni wa Francistown, ene a re o tshwenngwa ke gore bana ba gompieno ba ima ba sale bannye. A re o dumela mo kgodisong e e siameng ya bana ka jalo o kgothaditse batsadi go tsaya karolo mo go ruteng bana ka tlhakanelo dikobo, ba seka ba tsaya gore ke tiro ya barutabana ba le nosi. Monni yo mongwe, Rre Ketshepamang Monnaesi le ene a re o tshwentswe ke dipalo tse di golelang pele tsa boimana mo baneng ba basetsanyana ba ba santseng ba le kwa sekoleng. A re selo seo se ba senyetsa bokamoso le gone go ba senya tlhaloganyo tota, mme a re tsela e a bonang e ka thusa ke gore batsadi ba leke go direla bana ba bone gotlhe mo ba ka go kgonang go itsa gore ba ineele borre ba ba tona go ba fa tse ba di tlhokang. O boletse gore nako tse dingwe bana ba a bo ba na le matlhoko mangwe ba bo ba felela ba ineela borre ba bagolwane ba ba bonang ba ka ba thusa ka tse ba di tlhokang. A re mme se segolo se se ka dirwang ke gore borre bao ba tseelwe dikgato tse di gagametseng go feta tse ba ntseng ba di tseelwa le melaetsa e gasiwe go itsise setshaba ka ditlamorago tsa ditiro tsa go nna jalo. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Banni ba Radisele ba itumelela Ipelegeng Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Radisele mo kgaolong ya Serowe Borwa, Mme Kobamo Kaisara, a re komiti ya gagwe e tlhapile batho bale 115 mo ditirong tsa Ipelegeng. Mme Kaisara o boletse mo potsolotsong gore mo bathong bao, go tlhapilwe basadi bale 95 le banna bale 20 mo ditirong ditshwana go agelela mabitla, go aga matlwana a boitiketso ale mabedi kwa mabitleng, go tokafatsa seemo sa ditsela tse di mo motsing ka go ntsha ditlhare le go tlhabolola lefelo le le neng le nna badiri ba konteraka e neng e aga madirelo a go tlhatswetswang metsi letswai teng. A re lefa ele keletso ya komiti ya gagwe go wetsa ditiro tsotlhe tse ba di abetsweng ka nako, sebe sa phiri ke go itsemeletsa ga badiri ba Ipelegeng ka bangwe ba bone ba kgona go robala ka nako ya tiro fa bangwe ba bereka ka go kgarametswa ntswa ele bone ba ikopetseng go dira mo Ipelegeng. Mme Kaisara o tlhalositse fa khansele e ba abetse P28 000 gore ba kgone go tlhabolola lefelo le e neng ele diofisi tsa konteraka e neng e tlhatswa metsi letswai kwa masimong a Bikwe, gore lefelo leo le dirisiwe ele diofisi tsa maphata a Mmuso jaaka ba lephata la temo-thuo le boipelego ba ba se nang fa ba direlang teng. Mabapi le dikgang tse dingwe Mme Kaisara o tsweletse ka go bolelela ba lekalana la dikgang fa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Radisele e kolotiwa P1 300 ke barutabana ba sekole sa Radisele Community Junior Secondary le ba sekole se se botlana ba go bolelwang ba nna mo matlong a VDC. A re ere ka gona le lobaka ba ntse ba buisana le barutabana bao, mme go sena nko e tswang lemina ke sone se ba isitseng barutabana bao kwa lekgotleng la Setswana goya go arabela melato ya bone. O tlhalositse fa komiti ya gagwe ena le madi a tshwarang P12 000 kwa bankeng. Mme Kaisara o tsweletse ka go tlhalosa fa komiti ya gagwe e bona madi a go tsweledisa ditlhabololo ka go hirisa matlo, go rekisa motlakase le go rekisa nama ya dikoko e bile a bolela fa ba ruile dikoko tsa Setswana tse maikaelelo eleng go di rekisetsa ba komiti e itebagantseng le go nyeletsa lehuma. Bokhutlo society 9 Temo ya ditlhare phitlhisa go beng Mme Johane Moremi wa kgotla ya Boseja kwa Mahalapye ke mongwe wa Batswana ba ba sa ineelang mo tlhaelong ya mebereko ka a bone mosola wa go itirela ka diatla. Mo potsolosong le Mme Moremi a re o simolotse kgwebo ya ditlhare ka go kokotletsa madi fa a sa ntse a bereka. A re o sa le a nnile le lerato la ditlhare a le mmotlana a lema le go tlhokomela dithunya mme seo sa dira gore a gole a di rata. Mme Moremi a re le gompieno lelwapa la gagwe le kgabile ka ditlhare ka go farologana, e bile lelwapa la gagwe le na le phefo le lenko le le monate la ditlhare tseo. A re lemmenyana le a neng a le bona fa a simolola go rekisa le mo rotloeditse go lema ditlhare tsa maungo mo lwapeng la gagwe, tsa ungwa mo go neng ga mo tiisa moko go atolosa kgwebo gagwe. Katlego eo a re e ne ya mo kgothatsa go iteka lesego mo lenaneong la nyeletso lehuma go tsweledisa dikgwebo. A re kopo ya gagwe e ne ya atlega mme a thusiwa ka ditsompelo tse di tlhokegang mo temong ya ditlhare le fa tse dingwe di santse di saletse kwa morago mme gone kgwebo e tsweletse. Mme Moremi a re o ne a ikopanya le lephata la dikgwa kwa Mahalapye go kopa dikgakololo ka temo ya ditlhare ga mmogo le gore o ka atolosa kgwebo ya gagwe jang mme thuso eo, e mo kgontshitse go tlhokomela ditlhare tsa gagwe sentle. A re go rekisa dithunya le ditlhare ke yone tsela ya go itshetsa e bile gaa kitla a kgobega marapo go godisa kgwebo e le fa dikgwetlho di le dintsi. Mme Moremi a re fa o le molemi wa ditlhare, o nna le lerato le lentsi mo lelwapeng la gago ka o tlhola mo go lone nako e ntsi o tlhokometse ditlhare ka go di tlhola kgapetsa kgapetsa gore a di gola sentle gammogo le go ela tlhoko gore di tlhoka eng nako efe mme seo se dire gore di itumele di bo di ate. “Ditlhare di tshwana le ngwana ka gore ngwana o tlhoka tlhokomela e e kwa godimo, e seng jalo o ka latlhegelwa ke botshelo,” a tlhalosa. A re lelwapa le le lemilweng ditlhare motho wa teng ga a bue ka pelo thata ka o itlosa bodutu ka tsone mme seo se fokotse malwetse a pelo le madi a matona. Mme Moremi a re ditlhare di gaufi le pelo ya gagwe ka gore fa a sa tlhola mo lwapeng o a di tlhoafalela, mme seo se dire gore fa a goroga a bo a tlhamalela kwa go tsone go di lekola. Jaaka kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho, mme kgwetlho e tona ke motlhwa o montsi le dikhukhwane tse a reng o di fenya ka go di rekela molemo wa diji. A re kgwetlho e nngwe ke gore di kgona go swa fela a sa itse gore mabaka ke eng ka jalo go botlhokwa go lekola seemo sa mmu le boteng jwa one ka nako ya o jwalang. Mme Moremi a re metsi a pula ke molemo ka gore ditlhare le dithunya tsa gagwe fa pula e nele, di a itumela. economy_business_and_finance 3 Seabe sa batsadi le barutabana se botlhokwa Batsadi le barutabana ba gwetlhiwa go nna seopo sengwe mme ba eme ka dinao kgatlhanong le tiriso ya dinotagi le diritibatsi ga bana ka di na le ditlamorago tse di garolang pelo mo matshelong a bone. Fa a bua mo potsolotsong le lekalana la bobegadikgang la BOPA mo Tsabong bosheng, morutuntshi wa banana (Peer Educator) mo sepateleng sa Tsabong (Tsabong Primary Hospital), Rre Jacob Mokeresete o boletse fa go tswa goo lowe, batsadi ba lebaganwe ke kgwetlho ya go sireletsa bana ba bone mo diphatseng tsa botshelo mme gape ba batla bana ba gololesega go ikakanyetsa mo matshelong a bone. O boletse fa nngwe ya dikgwetlho tse batsadi ba lebaganyeng le yone ke tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi ga banana. Are batsadi,dikole le makgotla a mangwe ba dira go le gontsi go thibela tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi mo bananeng ka go bua le bone. Mokeresete are le fa go ntse jalo,go bua go le nosi ga go a lekana mme bana ba tlhokana le botsipa kgotsa bokgoni le kgothatso ya go tsaya ditshwetso tse di siameng. O boletse fa tiriso ya ditagi kgotsa bojalwa phetelela mo bananeng e na le ditlamorago tse di tshwenyang batsadi, jaaka boimana,go sa dire sentle ko sekoleng, go lwala tlhaloganyo, go ipaya mo kotsing ya go tsenwa ke mogare wa HIV le malwetse a mangwe a tlhakanelo dikobo di rwesa batsadi mokgweleo ka e le bone ba ba tlhokomelang bana fa go tlhagoga mathata. Mokeresete o tlhagisitse fa ba nale boikarabelo jwa go ema bana ba bone nokeng gore ba fetse dithuto tsa bone sentle le go netefatsa gore ba itekanetse ebile ba ikgapha mo tirisong ya dinotagi le diritibatsi. Are go botlhokwa gore batsadi ba itse se ba ka se dirang go thibela mathata a tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi. O tlhalositse fa batsadi ba tshwanetse go ela tlhoko diphetogo tse di supang tiriso ya bojalwa le diribatsi jaaka go fetoga ga tshoganyetso ga boitsholo,kwelo tlase ya maduo mo dithutong le gone go sa tsena sekolo sentle,go itebala le go eta mogopolo,bosilo le go tenega ka pele, go utswa madi le dilo tse dingwe mo lapeng jalo jalo. Mokeresete o gakolotse gore fa motsadi a setse a lemogile gore ngwana wa gagwe o dirisa diritibatsi le ditagi, a bue le ngwana wa gagwe ka nako e a wetseng dibete le ngwana a se mo sediding sa bojalwa kana diritibatsi. A itsese ngwana ka ga dipelaelo tsa gagwe mme a mo lemotshe gore o tshwenyegile ebile o a kgathala. Are fa ngwana a rurifatsa dipelaelo tsa motsadi ka go dumela gore o a nwa, motsadi a bue le ene sentle a sa omane gore batle ba kgone go rarabolola mathata ko ntleng ga go kgopisana. Are motsadi o tshwanetse go batlisisa gore ngwana o ikutlwa jang le gore ke eng se se mo dirileng gore a simolole tiriso ya bojalwa kgotsa diritibatsi. Mokeresete o gakolotse gape gore motsadi a bue le ba botsogo kana bogakolodi gore ba thuse ngwana, mme gape a dirisanye sentle le ngwana mo go rarabololeng bothata jo a nang le jone a tlhalosa fa go kopa thuso nako e sale teng go ka sireletsa botsogo le pabalesego ya ngwana. O gakolotse gape gore atsadi ba rotloetse bana go kopa thuso fa ba tsaya ditshwetso tse di amanang le botsogo jwa bone le go ba ruta go nna le boikarabelo ka madi a ba a ba fang mme ba seka ba ba fa go fetisa se ba se tlhokang. Mokeresete o gateletse gore batsadi ba tshwanetse go nna sekao mo baneng ba seka ba ba roma bana go ba rekela ditagi gape ba seka ba dirisa ditagi mo ponong ya bana. O tsweletse ka go ba gwetlha go nna ba labile metsamao ya bana ba bone, ba batlisise gore fa ngwana a seyo mo lwapeng o a bo a le kae,a nale bomang, a dira eng. Mokeresete o tlhalositse gape gore sekole se tshwanetse go nna le seabe mo go thuseng batsadi go rarabolola mathata a tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi tse dingwe mo sechabeng, a bolela fa barutabana ba na le nako e ntsi le bana ba dikole ka jalo ba na le seabe mo kgodisong ya bone. O tlhalositse fa barutabana ba tshwanetse go dira seemo se se rotloetsang bana go ithuta sentle le go ema batsadi nokeng mo dithutong tsa bana,bogolo jang ka dikgang tse di amanang le tiriso ya bojalwa le diriibatsi. Are barutabana ba tshwanetse go dirisanya sentle le bana go rotloetsa tshosologo mme ba rotoetse bana go tlhama mekgatlho ya bana ba sekole e e thusang go nna kgatlhanong le le tlhotlheletso e e sa siamang go tswa mo ditsaleng. O tsweletse ka go tlhalosa fa barutabana ba tshwanetse go tlisa mananeo a a thusang banana jaaka a kgothatso le go rutuntshanya ga bana ka botshelo. O tlhalositse gape gore barutabana ba tshwanetse go lemoga dikai tsa tiriso ya bojalwa le diritibatsi mme a tseye kgato e e maleba mme fa go tlhokegang teng a kope thuso. Mokeresete o boletse gore sekole ga se a tshwanela go letlelela ope go dirisa bojalwa le diritibatsi mme se tshwanetse gore se gagamatse molao kgatlhanong le tiriso ya tsone. Mokeresete o gwetlhile barutabana go lemotsha batsadi,batlhokomedi le banana ka go ba ruta ka ditlamorago tsa tiriso ya bojalwa le diritibatsi tse dingwe. Fa a iebaganya le banana, Mokeresete o ba gakolotse gore ba tshamekele kgakala le bojalwa le diritibatsi ka din ale ditlamorago tse dibotlhoko tsa di ka ba senyetsang bokamoso mme o ba gakolotse go dira ka natl mo dithutong tsa bone ka thuto e lebokamoso. BOKHUTLO education 4 Majalwa a a seng ka fa molaong a a tshwenya Mothusa Kgosi wa Peleng, Kgosi Tshegofatso Setumo a re ba tshwentswe thata ke majalwa a a seng ka fa molaong mo kgaolong, ka a na le ditlamorago di tshwana le go kgoreletsa bana go ithuta gape a rotloetsa botlhokatsebe. Kgosi Setumo o buile jaana bosheng mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Lobatse gape e le tona wa ditswammung, kgotetso le boranyane jo bo sa kgotleleng tikologo, Advocate Sadique Kebonang, kwa Peleng Botlhaba. A re go le gantsi majalwa ao, a apewa ka go tswakanya ditsompelo tse di borai mo botsogong jwa batho e bile gape a rekisiwa morago ga dinako tse di sa letlelelweng mme go felele go baka dipheretlhego mo banning ba kgaolo. Le fa go ntse jalo, o ne a lebogela mananeo a puso jaaka la nyeletso lehuma, le a reng banana ba inaakantse le lone thata mme ba ikgaphile go se go nene mo ditirong tsa botlhokatsebe. O tsweletse a rotloetsa ba ba neetsweng dithuso tsa nyeletso lehuma go nna ba ba tlhola kgapetsakgapetsa go lemoga dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo dikgwebong tsa bone go ba thusa gore ba di tsamaise ka mokgwa o o ntseng jang gore ba tle ba atlege go ka tlhabolola matshelo a bone. Fa a a fa tekodiso ya komiti ya ditlhabololo tsa motse, modulasetilo wa komiti ya kgaolwana eo, Rre Ontiretse Mosimanewamacha, o ne a supa fa ba apesitswe kobo ka letshoba ke letlhoko la tiro, segolo bogolo mo letlhakoreng la banana ka jaana ba saila mo mebileng go sena se ba diang diatla ka sone. Rre Mosimanewamacha o ne a supa gape fa ba tshwentswe ke ditsha tse go sa itseweng kwa beng ba tsone ba leng teng, ka jaana di leswafatsa kgaolo ka bangwe ba latlhela matlakala mo go tsone e bile magodu ba di ntshitse matshwago a ba iphitlhang mo go one. A re kgwetlho e nngwe ke ya letlhoko la metsi ga mmogo le ditlhwatlhwa tsa Water Utilities go gopa matlwana a boitiketso a a reng mo kgaolong eo ga ba kgone go lepalepana le ditlhwatlhwa tse di beilweng ke ba koporase eo tsa P600. E rile fa a ema morafe ka lefoko, Advocate Kebonang a supa fa a itse ka selelo sa letlhoko la metsi mo toropong mme a tlhalosa gore puso e ntshitse didikadike tsa madi go goga metsi go tswa kwa Gaborone go tla mo Lobatse. A re tiro eo e tlaa simolola pele ga ngwaga ono o ya fifing, go tla go namola setshaba mo lenyoreng. Mo go tse dingwe mopalamente o boleletse banni ka madirelo a matlalo a a tlaa bulwang a re a tlaa tlhamela banni ditiro tsa sennela ruri ka gore go batlilwe moitseanape go tswa kwa lefatsheng la Italy gore matlalo ao a sugwe a bo a dire dithoto dingwe tsa letlalo gone mo Lobatse. Mopalamente Kebonang o ne a tlatsa ka go re go tlaa agwa mmolo fa mapalamelong a dipalamo tsa setshaba, a re seo, se tlaa thusa go oka babeeletsi ba dikgwebo ka go farologana go tla go tlhamela banni diphatlha tsa mebereko. O ne a ba lekodisa ka khamphani ya Milk Afric e e tlaa simololang tiro mo nakong e e seng kgakala, a re e kopanetswe ke khamphani eo le khansele ya Lobatse, ka jalo puso e tlaa nna a ntse a tsenya seatla go thusa go godisa khamphani eo ya mashi gore e tle e thuse go hema letlhoko la tiro mo kgaolong. BOPA society 9 Badiri ba WUC ba supa mowa wa kutlwelobotlhoko Badiri ba khamphani ya metsi ya Water Utilities Cooperation ba lekalana la Masunga kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba abetse Kalakamati meriti e le mebedi ya maemelo a dibese. Meriti eo ka bobedi e e lopileng P35 800, e ne ya rolelwa boteledipele jwa motse le morafe, kgwedi eno e supa mo moletlong o o neng o tshwaretswe kwa Kalakamati. Fa a rola semmuso meriti eo, mookamela mapodisi a Masunga, Superintendent Gaolatlhe Ngayaya o ne a galaletsa tiro e ntle e e dirilweng ke WUC, a re ba supile fa ba sa itebaganya fela le tiro e ba e filweng ke puso ya go isa ditirelo tsa metsi kwa setshabeng. Superintendent Ngayaya a re ba WUC ba dirile tiro e e tshwanelwang ke go galalediwa ka jaana meriti eo, e tlaa naya banni ba Kalakamati seriti, a tlatsa ka go re e tlaa solegela molemo le banni ba metse e e mabapi ba gangwe le gape ba dirisang tsela eo, e e ralalang Kalakamati ka jaana ba tlaa nna le fa ba tshabelang teng fa seemo sa loapi se sa iketla. Superintendent Ngayaya o ne a kopa morafe go dirisa meriti eo ka fa tshwanelong, e seka ya dirisediwa borukutlhi, a bo a gwetlha ba ba ipapatsang ka dipampiri gore ba seka ba pega ipapatso ya bone mo meriting eo ka jaana e na le melaetsa e e botlhokwa e e amanang le ditirelo tsa WUC. A re go dira jalo e tlaa bo e le go gotlhagotlhana le melaetsa ya WUC e bile ba rontsha setshaba melaetsa eo. Superintendent Ngayaya o ne a bolela fa WUC e se la ntlha e dira tiro ya bopelotlhomogi, ka ba kile ba thusa mo mafelong a a farologaneng makgetho a le mmalwa. Ka jalo, a ba rotloetsa go tswelela ka mowa oo wa go direla setshaba go ya go ileng, a bo gape a gwetlha makalana a mngwe go tsaya malebela mo go se se dirilweng ke WUC. Mothusa molaodi wa Bokone Botlhaba, Rre Collen Tubego le ene o ne a iteela legofi tiro ya WUC, a re ba dirile seabe se segolo thata sa go leka go sireletsa setshaba mo diemong tse di sa iketlang tsa loapi. Mongwe wa dikgosana tsa Kalakamati, Kgosi Nlano Mbayi o ne a gakolola batsadi go kgalemela bana kgatlhanong le go kwala matlhapa mo meriting eo, mo e ka reng phelelong go dige seriti sa motse. Badiri go tswa WUC, borre Modisaotsile Keetile le Percy Aabobe ba ne ba tlhalosa fa ba bone go le botlhakwa gore ba lemoge setshaba se ba direlang mo go sone go na le go itebaganya fela le tiro ya phatlalatso ya metsi. Ba re le ntswa ba kopana le dikgwetlho mo maitlamong a bone di tshwana le go nna le letseno la madi fela ga ba ke ba neela tshwene marapo, ka jaana ba leka bojotlhe go kgona seelo sa bone. Rre Aabobe a re go botlhokwa gore batho ba tsweledisa mowa wa bopelotlhomogi, go sa kgathalesege gore letseno la madi le kwa tlase. 
BOKHUTLO politics 7 Kgosi Ramokobetwane o akgola banana Kgosi Edwin Ramokobetwane wa Khudumelapye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng o akgoletse banana go supa tebelopele le boikarabelo ka go bona go le botlhokwa go nna le komiti ya bone. Kgosi o buile seo fa a ne a buisa banana ba motse oo pele ga tlhopho ya komiti ya banana ya motse. Fa a latlhela la gagwe, modulasetilo wa komiti e e neng e sa tswa go tlhophiwa, Rre Olebetse Phemelo o supile fa ba ikemiseditse go bereka le banana ba motse ka nako tsotlhe. Rre Phemelo o supile fa a tshwenngwa ke seemo sa boradidiba ba ba sa ba feng tetla kana teseletso ya go nosa gore ba akole mananeo a puso. O supile fa go ka nna botlhokwa fa puso e ka ba fa sediba sengwe fela se se sa dirisiweng e le sa banana go tlhofofatsa dilelo tsa bone. O tsweletse ka go kgala boradidiba ba ba lopang kana ba lefisa banana ba ba kopang meriti ya diteseletso tsa go nosa are go supa fa ba sa kgatlhegele go nna le seabe mo tlhabololong ya matshelo a banana. Rre Phemelo o supile fa e le komiti ba ikaeletse gore ba tlaa kopa dithuso tsa go agelwa lefelo la itloso bodutu mo motseng oo. O gwetlhile banana ba Khudumelapye go inaakanya le diphetogo tsa segompieno go intsha kwa morago.O supile gape gore ba tla tlhomamisa gore ba ikopanya le makgotla mangwe a a ikemetseng ka nosi go rutuntsha banana ka tsa kgwebo le tsa itshetso. E rile a leboga kwa tirong eo, rre Benjamin Bogosi o gwetlhile komiti go bereka ka natla le go tlhomamisa gore ba dira letseno la madi go kgona go tsamaisa komiti. O kgotlhaditse banana go sa ipone tsapa ba akole mananeo a itshetso a puso. Bokhutlo politics 7 Badiri ba aba leruo Badiri ba lephata la matlhoko a leruo le tsadiso kwa Bobonong ba abetse Mme Sarah Kgare wa kgotla ya Mabeleng kwa Bobonong dipodi di le lesome le bobedi ka Matlhatso. E rile a rolela Mme Kgare mpho eo ya dipodi, moeteledipele wa lephata la matlhoko a leruo, Dr Letlhogile Modisa, a tlhalosa fa badiri ba kgaolo e ba bone go le maleba go tlhabolola botshelo jwa ga Mme Kgare ka go mo abela dipodi tse di tla mo tswelang mosola mo isagong. Dr Modisa a re mpho eo e kgolo thata ka gobo e le pharologanyo le tse dingwe tse di atleng di fiwe batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. A re Mme Kgare o tshwanetse go dirisa lesego leo la dipodi go tsosolosa serodumo le seriti sa gagwe ka go di tlhokomela gore di mo tsalele. A re bone e le ba lephata la matlhoko a leruo, ba tla tlhokomela dipodi tseo ka go di tlamela ka melemo le tse tshotlhe tse di tlhokegang mme a kopa bana ba ga Mme Kgare go nna le seabe mo go tlhokomeleng leruo leo. Rre Modisa a re badiri ba maphata a ka bobedi ba ne ba kokoanya madi gore ba kgone go reka dipodi tseo le go di agela lesaka kwa masimong a Mogobe-wa-Manong, a supa fa lephata la temo thuo le lone le ne la nna le seabe se segolo mo tirong eo. Fa a tswa la gagwe Mme Kgare, o ne a akgolela tiro e ntle, ya lerato, e e dirilweng ke badiri ba maphata ao, a supa fa mpho eo e mo fodisitse matswalo, mme a tla dira ka natla go tlhokomela dipodi tseo. Badiri ba maphata a matlhoko a leruo le tsadiso mo Bobirwa ba ne ba itlama go direla motlhoki sengwe mme se tsamaelana le tiro ya bone, ke ka moo ba neng ba kokoanya madi go reka dipodi tseo tse di lesome le bongwe. Ba supa fa ba kgonne go kgobokanya madi ao ka go rulaganya metshameko ya kgwele ya dinao, go rekisa dijo, gammogo le go kopa dithuso mo banning ba Bobirwa le bagwebi, go kgona go fitlhelela maikaelelo a bone. society 9 Go itirela ka diatla ga go latse le tlala Monana mongwe wa kgaolo potlana ya Kazungula kwa Chobe o bone go le botlhokwa gore a ikiteye ka thupana go itirela se eleng sa gagwe. Rre Katlego Bango o tshotswe ka ngwaga wa 1989. A re pele fa a tla ka mogopolo wa go itshimolela kgwebo o ne a reka merogo a rekisetsa dikompone di tshwana Impalila Lodge le Ntwala Lodge. Rre Onthatile a re o simolotse kgwebo ya gagwe e a eleng a e bitsa EAZYCAT FARM ka ngwaga wa 2010 a sena go tsaya dithebenyana tse a neng a di kokotleletsa go reka didirisiwa tsa mo tshimong. A re o ne a dira sentle fela mo kgwebong ya gagwe mme a re morago ga ngwaga ngwaga tse nne a kwalela ba Youth Development Fund go mo thusa go godisa kgwebo ya gagwe.Monana yo a re a itumedisiwa ke go bona ba Youth Development Fund ba mo thusa mono ngwaga ka Mopitlo. Katlego a bolela fa gone ga nna motlhofo go tsweledisa kgwebo ya gagwe ka gobo tshimo ya gagwe e bapile le noka ya Chobe ka jalo sena kgwetlho ya go tlhoka metsi a go nosetsa. A re se se dirang gore go nnne motlhofo o rekile engine ee pompang metsi go tswa kwa nokeng go isa kwa tshimong. Monana yo a re o itumelela thutuetso ya Batswana ka gore ba reka merogo ya gagwe le mmidi go sena pelaelo epe. A re o rekisetsa dikompone di tshwana bo spar,choppies,Chobe Marina lodge,dikolo le ba ba rekisetsang mo mekgwatlheng.Rre Katlego a re go itlhamela dikgwebo ke tsela nngwe ya go tlhamela ba bangwe ditiro o bua se a tlhalosa fa ene a setse a hirile babereki ba le bane mme a dumela gore fa kgwebo e ntse e gola babereki ba tla oketsega. Fa a tlhalosa ka tsa temo ya merogo,a re ba simolola ka go jala peo mo mabokosong mme re peo e sena go mela e tseye kgwedi yotlhe e gola e le mo mabokosong. A re morago ga kgwedi ba simolola go ntsha peo ee medileng mo mabokosong go e jala ko mmung. Morago ga moo ba emela morogo go gola mme mo kgweding ya boraro ba simolola go roba. A tlhalosa fa ba dirisa menontshane e tshwana wa 2:3:2 mme ba o tsenya pela fa ba jala gore merogo merogo ya bone e gole e nonofile gape e kgatlhisa. Monana yo a tlhalosa fa a na le kgwetlho ya diji tsa mo tshimong di tshwana bo mokowe,ngadule(aphids),tseakgope,ditlou le dikobe tsa naga. A re fa merogo e ntse e gola ba e gasa ka melemo go kganela diji go e ja. Katlego a tlhalosa fa ba dirisa terata ya motlakase go kganela diphologolo di tshwana bo ditlou le dikolobe tsa naga. Fa a bua a tlhalosa fa go le botlhokwa gore ba lete merogo fa ba sena go e jala mo mmung go tswa kwa mabokosong ka gore mekowe e rata go e somola mo mmung. A re dijalo tse a di lemang ga di mo tseye dingalo ka gore ga a nke a emela gore dipula di ne ka gore ka gore noka ya chobe e a mmelega fa go tla mo kgannyeng ya go nosetsa.Katago a tlhalosa fa a dirisa nosetso ya thootho(drip irrigation) mme ebile e le tsela nngwe ya go somarela metsi. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ba dikago ba leboga mokgatlho Bontsi jwa badiri ba ditiro tsa kago ba ba neng ba tseneletse bokopano jwa go simolodisiwa ga lekgotla la Ngamiland Local Contractors Association ba lebogetse mokgatlho oo ba re o tlaa ba thusa mo dikgwethong. Ba buile jalo kwa bokopanong jo bo neng bo tshwerwe bosheng mo Maun. Fa a akgela, Rre Baemedi Motlatshiping wa moagi o ne a re go botlhokwa gore go nne le mokgatlho o o ka berekang le ba ditiro tsa kago go ka laola boleng jwa ditiro. Rre Motlatshiping o ne a re go maswabi go bo bangwe ba latlhelela ditiro tsa bone tsa kago go simolola ka ba ba ba dirang ditena le bone baagi mme ba feletse ba dira dikago tse di senyegang ka pele. Mme Florence Matoteng wa mogwebi wa tsa kago kwa Gumare le ene o ne a re o itumeletse go tlhangwa ga mokgatlho oo. Mme Matoteng o ne a re o na le tsholofelo ya gore mokgatlho o o tlaa ba fa lentswe gore ba kgone go nna le dipoelo mo ditirong tse ba di bonang tsa kago. Mme Matoteng o ne re ga ba bone dipoelo le fa ba kgonne go fiwa ditiro tsa bo P90 000 ka madi a mantsi a tsewa ke go tsaya lokgarapana bokgakala jwa Bodibeng mme ba dira tiro ka kwa moseja ga makgobokgobo a Okavango. Rre Monnaatshipi Mandozi le ene o ne a lebogela mokgatlho oo mme a rotloetsa banana ba tsa kago go o tsenelela gore ba nne le maduo mo tirong tsa bone. Rre Kealeboga Piya wa mokgatlho wa Maun Private Electricians Association le ene o ne a akgola ba mokgatlho wa tsa ditiro tsa kago. O ne a ba rotloetsa go tshwara ka thata a re bone e le ba metlakase ba sale ba simolola ka 2015 mme maloko a bone a tla ka boutsana. Rre Piya o ne re mokgatlho o botlhokwa ka o ba fa lentswe e bile ba kgona go kopana le boeteledipele motlhofo. Fa a ntsha bogakolodi, Kgosi Cosmos Lelathego wa kgotla ya Moeti o ne a re ba age mokgatlho wa bone o nne wa motia. Rre Lelathego o ne a re mokgatlho o ya go ba thusa ka go dira dithutopuisanyo tse ba ka kgaoganyang dikitso le go buisana ka tse di ka ba isang pele go dira tiro tsa boleng. O ne a re mokgatlho o ya go ba rutuntsha le ka tsa matshelo jaaka tsa malwapa le botlhokwa jwa go boloka madi a ba a dirang go na le go jela mo ganong fela. BOKHUTLO politics 7 Masole a pele a supa lorato Badiri ba pele ba sesole sa Botswana b aba ipitsang Intake 32 of 1989 ba supile mowa wa lorato le kutlwelobotlhoko ka go feleletsa le go ntshafatsa ntlo ya modiri ka bone wa pele, Sergeant Ford Rabosotho yo neng a tlogela tiro ka mabaka a tsa botsogo ka ngwaga wa 2011. Fa a amogela masole a pele gammogo le masika le ditsala tsa ga Sergeant Rabosotho kwa modirong wa go rola ntlo bosheng, Kgosi Keresepe Keitseope wa kgotla ya Flowertown o akgoletse badiri bao ba pele tiro e ntle e ba e diretseng modiri ka bone wa pele. “Re a itumela re le botsadi ka se le se dirileng. Le supa tota gore le na le maikarabelo a matona. Go le gantsi, re ipolelela fa masole ele a ditlhobolo fela, mme tiro e, ka nosi e supa fa le se masole a ditlhobolo,” ga bua Kgosi Keitseope. Sebui sa tlotla Lt. Dickson Menyatswe, o ne a supa boitumelo a tlhalosa fa tiro e, ele e bontsi bo ka seke bo e dire. “Ke itumelela gore le tswa mo diatleng tsame, le fa ke ne ke le rutuntsha ke na le ba bangwe. Gape ke lebogela go bona gore le ntswa le setse le dule mo sesoleng, le ntse le tsweletse ka mowa wa tshwaragano, o re le o rutileng kwa sesoleng,” ga bua Lt. Menyatswe. Fa a bua mo boemong jwa Intake 32 of 1989, Warrant Officer I Batlhalefi Lepang o tlhalositse fa ba ne ba tlhotlhelediwa ke lorato le ba santseng ba na le lone mo go Sergeant Rabosotho le bana ba gagwe. Ka jalo, a re ba ne ba bona go tlhokafala go mo thusa go feleletsa ntlo ya gagwe e a ikagetseng mme tiro yotlhe ya lopa madi a fetang P19 000. Mo godimo ga moo, ba Intake 32 of 1989 ba ne ba abela Sergeant Rabosotho le ba lelapa la gagwe P2 000. Warrant Officer Lepang o tlhalositse fa go ne go se motlhofo go wetsa tiro e are kgwetlho e tona e ne e le seemo sa thibelo kanamo ya mogare wa Corona, ka jaana ba ne ba kgorelediwa ke kiletso mesepele. A re ba sale ba simolola tiro ka Motsheganong a tlhola malatsi a le mabedi. Fa a amogela mpho, mohumagadi wa ga Sergeant Rabosotho, Mme Thulaganyo Rabosotho o lebogetse kemonokeng e masole a pele a tsweletseng ka go e fa ba lelapa la gagwe. A re se ba se ba diretseng se tla ba namola mo dikgwetlhong tse ba ntseng ba na le tsone. “Ke batho ba ba lorato bo rre ba ba sesole, ba sala ba nkema nokeng go simolola ka 2011 fa monna wame a tlogela tiro ka ntata ya seemo sa botsogo,” Mme Rabosotho a tlhalosa. Fa a leboga, Mokhanselara wa Boseja/Flowertown, Rre Tumelo Koolekanye o akgotse masole go supa tshwaragano a re ke se puso le yone e se rotloetsang. “Mowa wa bojammogo ke one o, e seng go o supa fela motho a setse a tlhokafetse,” ga tlatsa Rre Koolekanye. Mokhanselara Koolekanye o gateletse gore puso e le nosi ga e kake ya kgona go fitlhelela letlhoko la Motswana mongwe le mongwe, ntleng le kemonokeng ya dikompone, mekgatlho le banni botlhe ba lefatshe la Botswana. society 9 'Se tsiediweng ke dinokwane' Go bolelwa fa batho ba ba batlang ditsha mo mafelong a a dikologileng toropo-kgolo Gaborone, ba tsweletse ka go utswelwa ke batho madi ba ba solofetsa go ba rekisetsa ditsha mo mafelong ao. Mafoko a, a boletswe ke mogolwane wa mapodisi a Tlokweng Superintendent Lebalang Maniki bosheng. Superintendent Maniki o boletse fa ba begetswe tiragalo e mo go yone, rre mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le borobabongwe, a neng a tseelwa ke rre mongwe P30 000, a mo tshepisa fa a mo rekisetsa setsha kwa Modipane. O boletse fa rre yoo, a ne a felela a nyelela a sena go duelwa madi a setsha, fa moreki ene a setse a iphotlhere. Superintendent Maniki o kopile batho go tlhotlhomisa mo go ba bogosi kana ba kabo ditsha pele ga ba reka ditsha, go na le go latlha madi fela fa ba bona ditlankana tsa setsha, tse ba sa tlhomamiseng fa e le tsa nnete. E ntse e le gone kwa Modipane, mapodisi a Tlokweng ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre mongwe wa dingwaga tse di masome mararo , a neng a utswelwa koloi ya modiro wa Audi mo mosong a re o ya tirong. O tlhalositse fa rre yoo, a ne a tswa mo koloing a e tlogela e duma a re o tswala heke, fa selalome seo se itatlhela mo go yone se bo se siya ka yone. Mogolwane wa mapodisi o gakolotse batho gore ba ne ba tswa ka dilotlele tsa dikoloi le fa ba sa ye gope kgakala, go itsa tiragalo ya go tshwana le e. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Thapelo makgona tsotlhe Maloko a kereke ya Apostolic Jerusalem Church of God a gakolotswe go dira ka natla mo ditirong tsa temo. Kgakololo e e dule ka modulasetilo wa khansele-potlana ya Okavango, Rre Anderson Kambimba fa a ne a bula semmuso malatsi a paseka a kereke eo ka Labotlhano. Rre Kambimba o boleletse maloko gore go botlhokwa go itse se Modimo a se ba tsiseditseng mo lefatsheng, gore ba tshele ka boitumelo ka nako tsotlhe. O supile fa poloko e le botlhokwa mme a ba kgothatsa go tila boitseme. O ba kgothaditse go fetoga, ka e le bone batsamaisi ba lefatshe le ba le filweng ke Modimo. O ba kopile gore ba ikgaphe mo go tlhabiseng Modimo ditlhong, a ba kgothatsa go nna le maitshwaro a a supang gore ke badumedi. O ba gakolotse fa bogosi jwa Modimo bo sa palelwe ke sepe, mme a ba kgothatsa gore tsotlhe tse ba di tlhokang go botlhokwa go mo rerisa ka thapelo. O file sekai sa gore fa ba batla temo, ba ka rapela mme Modimo a ba nesetsa pula. O ba kaetse fa ba dirilwe mo setshwanong sa Modimo, ka jalo ba tshwanetse go gakologelwa seo ka nako yotlhe. E rile a ntsha la gagwe, moeteledipele wa Kereke e, Archbishop Mokoya Mokolobetsi a supa fa kereke ya Apostolic Jerusalem e sale e nna teng mo Botswana ka 1981. O tlhalositse gore le fa kereke e ne e kile ya nna le dikgogakgogano tsa go lwela maemo dingwaga tse di fetileng, ba ntse ba tsosolosa mowa wa lorato le go dira mmogo go simolola ka 2006. O tlhalositse fa seemo se ritibetse, ka jalo ba leka go ngoka banana go tsamaisa kereke ka e le bone ba nang le tebelopele. O tlhalositse fa kereke e gola, a supa fa maloko go tswa ntlheng tsotlhe tsa Botswana, ba phuthegile go tla go galaletsa Modimo. O kaile fa moono wa monongwaga e le go aga kereke sentle le go tsaya dikgakololo mo bodireding le setshaba ka kakaretso. Archbishop Mokolobetsi o galaleditse bodirelapuso jwa Botswana go ema dikereke nokeng, a supa fa se se supa fa tshaba ya Botswana e na le tumelo le poifo ya Modimo ka go akaretsa dikereke le go di fa tlotla e e tshwanetseng. O kaile fa a na le tshepo e ntsi gore dingwaga tse di tlang kereke e e tlaa bo e godile, ka ba baakantse seemo. Maloko a kereke ka bontsi a ne a setse bo gorogile go tswa kwa dikgaolong tsa Bokone Botlhaba, Boteti, Gaborone le mafelo a mangwe mo lefatsheng go tla go ipelela Paseka. BOPA religion_and_belief 8 Thoromo e bakile tshenyo Banni bangwe ba Moiyabana ba setse ka bohutsana morago ga gore thoromo ya lefatshe e e diragetseng ka Mosupologo e tlogele matlo a bone a ranyegile le dikgobalo tse di bakilweng ke letshogo. Mo Potsolotsong le BOPA kgosi ya motse oo, Rre Gosotwamang Keatshotse a re tiragalo eo, ya ntlha kwa motseng wa gagwe, e ne ya ba tshosa thata ka e le selo se se sa tlwaelesegang. A re e ne ya re morago ga nako ya bosupa ba utlwa sengwe se thunya, fa ba santse ba hakgametse lefatshe la simolola go roroma. “Ka go lemoga gore ke thoromo ya lefatshe ra tswa mo matlung go tila gore a re wele.” Kgosi o ne a tlhalosa fa thoromo e, e e neng e diragala ka modumo, e ne ya tsamaela kwa bophirimeng jwa motse. A re o belaela fa thoromo e, e ka tswa e amile moepo wa gase le meraka ya Sandveld. Kgosi Keatshotse o ne a re mo bogompienong ga ba ka ke ba tlhalosa selekanyo sa tshenyo e e bakilweng ke thoromo e, mme a tlhalosa fa ba setse ba nnile le dipego di le tharo tsa matlo a a ranyegileng. “E ne ya re re ntse re botsolotsa mo mosong ra lemoga fa bana ba sekole se segolwane sa Mothamo ba gobetse, ka ba ne ba thulana, ba gatana mme bangwe ba segilwe ke diokomela bagwe.Re santse re sa itse dipalo mme re tlaa di itse ka re tlaa lekola motse.” A re ba dira seo ka ba itse gore bangwe ga ba na go tla go ba begela ntswa se e le sebetso sa tlholego. Mothusa mogokgo wa sekole se se botlana sa Moiyabana, Mme Onalenna Tonoki, o tlhalositse fa tiragalo e, e ne ya tshosa baithuti, ka jalo ba tshwanelwa ke go ba sidila maikutlo. E rile maabane baithuti ba hitlhola morago ga nako ya gale ka thoromo e amile ntlwana ya boapeelo. Bontlha jwa borulelo bo ne jwa wela fa fatshe mme baapei ba tshwanelwa ke go phepafatsa pele ga ba ka simolola go apaya. Mothusa mogokgo o ne a tlhalosa fa barutabana bangwe ba ne ba nna le dikgobalo tse di potlana jaaka go kgoboga mo go bakilweng ke go wa fa ba sia. Mothusa moeteledipele wa Botswana Geosciencce Institute, Rre Mojaboswa Koketso a re e ne ya re maitseboa a Mosupologo, ga nna le thoromo ya lefatshe, mme ya re ba sekaseka ba lemoga fa go nnile le thoromo ya lefatshe ya bokete jwa 6.5 mo sekaleng sa Richter. Rre Koketso o ne a tlhalosa fa boteng jwa yone e le dikhilomethara tse 29.8, mme leitlho la thoromo le bapile le molelwane wa lefelola tshomarelo diphologolo la CKGR. Mothusa moeteledipele a re ntswa thoromo tsa lefatshe di bakwa ke mabaka a a farologanyeng, e ke ya tlholego fela. A re thoromo e, ga se ya ntlha ka ba etle ba bone seemo sa go nna jaana kwa Okavango. Le fa go ntse jalo re tseo di felelala go sa itsiwe ka tsone ka e le tsa bokete jwa 3 mo sekaleng sa Richter. A re thoromo tse dipotlana di kgona go baka tse di tona. A re thoromo ya Mosupologo e tona, ke ka moo e neng e lebeletswe ke makalana mo mafatsheng a a farologanyeng jaaka Botswana, Kenya, South Africa, Namibia le Zimbabwe ka ba dirisana. Rre Koketso o ne a tlhalosa fa thoromo e, e amile Botswana jotlhe le mafatshe a a mabapi. O tlhalositse fa ba saletse kwa morago mo selekanyong sa tshenyo e e bakilweng ke thoromo ntswa ba setse ba utlwa dipego dingwe tse di tlhokang go rurifadiwa. A re thoromo ga e a tlwaelesega e bile ke selo sa tshoganyetso, a re go tsaya dingwaga pele e ka diragala. Rre Koketso o ne a re fa thoromo e diragala go nna le dikgobalo tse di bakwang ke go sa itse gore motho a dire eng, a re gantsi batho ba gobadiwa ke go sia. A re thoromo e tsaya metsotso, ka jalo fa e diragala batho ba tshwanetse go ema. Fa go na le tafole motho a tsene ka fa tlase ga yone gore a seka a welwa ke dilo. Fa motho a le mo tlung o tshwanetse go itsheega ka lebotana, a re go dira jalo go ka babalela motho. Tiragalo ya mofuta o, e diragetse lwa bofelo ka 1952 kwa Maun, e le ya bokete jwa 6.7 mo sekaleng sa Richter. BOKHUTLO society 9 Ba santse ba batla ditlhabololo E re lentswa ba lebogela ditlhabololo dingwe tse di dirilweng mo metseng ya bone, banni ba metse ya Sechele, Makaleng le Matenge, mo kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima, ba ngongoregetse go bo go sa ntse go na le dingwe tse di ba tshwenyang mo metseng ya bone. Fa ba akgela mo diphuthegong tsa kgotla di buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Charles Tibone, kwa metseng eo bosheng, banni ba ikuetse ka seemo se se maswe sa ditsela tse di lomaganyang metse ya bone. Banni ba ikuetse ka letlhoko la matlo a boroko jwa baithuti kwa sekoleng sa Pelaelo JSS, se se kwa Makaleng, ba tlhalosa fa go tlhoka matlo kwa sekoleng seo go baya baithuti ba metse e e dikologileng motse wa Makaleng ka fa mosing ka jaana ba tsoga makuku go ya sekoleng. Ba re seo, se ama thuto ya bana fela thata e bile se dira gore palo ya baithuti mo sekoleng seo e fokotsege ka jaana batsadi ba setse ba batlela bana ba bone diphatlha kwa go nang le matlo a boroko teng, ba tlatsa ka gore phelelong sekole seo sa Pelaelo se tla fetoga letlotla. Banni ba metse eo ba tsweletse ka go kopa gore palo ya badiredi ba lenaneo la Ipelegeng e okediwe go leka go namola batho mo tlaleng le go fefosa ditiro tsa lenaneo leo. Le fa go ntse jalo, monni mongwe wa Sechele, Rre Morgan Situme, o ne a supa babereki ba Ipelegeng ka monwana, a re ka fa ba gogang dinao ka teng mo tirong ya bone, ke moka ba dira tshenyetso setshaba, ka ba tsaya dikgwedi ba tshwere tiro e nnye, e ba ka e fetsang mo lobakeng la kgwedi, ba tsweletse ka go duelwa kgwedi le kgwedi. Rre Situme o ne gape a kopa gore go oketswe dikatso tsa maloko a ditlhabololo tsa metse, a re ba dira namane e tona ya tiro go loga maano a ditlhabololo tsa metse , a tlhalosa fa dikatso tseo tse di kwa tlase di kgoba maloko marapo mo ba felelang ba sa dire tiro ya bone ka botswapelo. Banni bangwe ba Sechele ba boletse fa ba sa bolo go ikwadisa mo lenaneong la nyeletso lehuma, mme nako kgolo ke eno, fa bagwe bone ba ne ba ikuela ka tshenyo e e dirwang ke leruo le diphologolo tsa naga mo masimong a bone. Banana bangwe ba Makaleng le Sechele ba supile matshwenyego a go bo ba sa bone dituelo tsa bone sentle tsa dikgaisano tsa metshameko ya dikgaolo. Fa ntsha la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo tsa motse wa Makaleng, Rre Anthony Butale, o ne a supa fa ba tshwenngwa ke tlhaelo ya boroko jwa badirela puso mo motseng, a bo a kopa gore ba agelwe diofisi tse mapodise a direlang mo go tsone, ka jaana mo bogompienong ba dirisa diofisi tsa lekgotla la Setswana. Monni mongwe wa Makaleng, Rre Rubeun Mbakile, a re e re lentswa ba ba lebogela tsela ya Sebina/Masunga, fela o na le pelaelo ya gore boleng jwa yone ke jo bo kwa tlase, mme e ka se nne lebaka. E re dikgang di eme jalo, banni ba Matenge ba ne ba kopa gore go dirwe borogo mo tseleng e e lomaganyang motse wa bone le wa Masingwaneng, le gore tsela e e dirwang, e e tswang kwa tseleng ya Sebina/Masunga, e dirwe go ya go fitlha kwa bofelelong jwa motse go na le gore e eme fa kgotleng jaaka go akantswe. Mopalamente Tibone o ne a tlhalosa fa kwelo tlase ya itsholelo e ne ya kgoreletsa ditlhabololo dingwe go dirwa, a re fela o itumelela kemonokeng ya banni ba metse eo le seabe sa bone se ba se supile tebang le ditlhabololo tsa metse ya bone. O ne a laela banni, a ba itsese fa a tsere tshwetso ya go boela morago go nna moemedi wa bone mo dingwageng tse di lesome. Bokhutlo society 9 Ba abelwa dietsele Bagolwane ba khansele-potlana ya Letlhakeng mo kgaolong ya Kweneng, ba ne ba tshwere kabo dimpho ya badiri ba ba dirileng ka botswapelo monongwaga. Mokwaledi wa khansele eo, Rre Nigel Mangoye, o tlhalositse gore e re le ntswa ba sena ditlamelo tsotlhe tse di ka ba kgontshang tiro, badiri bangwe ba ne dira ka se ba nang le sone go tsisa phetogo mo matshelong a Batswana le mo kgaolong. O tlhalositse fa tlotla eo e dirilwe go sa lebelelwa go otlhaya ope, a bo a kopa baeteledipele ba maphata go tsenya leitlho thata mo go ba ba eteletseng pele le go ba kaela. O gakolotse ba ba filweng dietsele gore ba itse fa ba ne ba sa bereke ba le nosi mme ba ne ba bereka le ba bangwe. Mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Kweneng, Mme Tlotlego Rampha o tlhalositse fa matshwenyego a kgaolo-potlana ya Letlhakeng a le mantsi jaaka ditsela tse di sa siamang, go tlhaela ga ditsompelo, go tlhaela ga bodiredi le tlhaelo ya madi. Mme Rampha o tlhalositse fa gape badirelapuso ba lela ka dituelo. Le fa go ntse jalo a re tse tsotlhe ga di a tshwanela go ba kgoba marapo mo tirong. O gwetlhile badirelapuso go bereka ka mowa o le mongwefela, ka seo se ka ba kgontsha go ya kwa ba batlang teng. O supile fa badiri bangwe ba sena dikitso tse di tletseng ka maphata a bone, mme a tlhalosa fa modiri yo o nang le kitso a kgona go dira tiro botoka. Mme Rampha o kopile gore ba ba sa direng sentle ba kgothadiwe, a supa gore le fa ba sa tsaya dietsele ba kgona go tla ka methale e mesha ya go dira tiro e bile e le bonolo go ntsha maduo. O tlhalositse gore fa badiri ba dira mmogo, ba kgona go kgothatsana fa ba bangwe ba leng bokoa teng, mme se se dire tiro bonolo le go nna monate. Rre Gaopatiwe Kabelo o ne a tsaya tlotla ya modiri yoo thusang setshaba ka manontlhotlh. Mme Kesego Mashaba o ne a tsaya tlotla ya modiri yo o gaisitseng botlhe. Mme Dimakatso Sibisibi o tsere tlotla ya moeteledipele yo o gaisitseng. Lephata la madi le tsere tlotla ya lephata le le gaisitseng a mangwe ka go ntsha ditirelo. E rile a afa malebogo, mothusa modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng e bile e le mokhanselara wa kgaolo ya Botlhapatlou, Rre Lefoko Kegopotswe, o ne a supa fa tiro e e sa felele fa mme a kopa ba ba sa bonang sepe go dira ka natla gore le bone ba bone sengwe ngwaga o o tlang. O supile fa go abela badiri dietsele go ba nonotsha.BOKHUTLO politics 7 Ba batla folaga Kgosi Keoganne Modisapodi wa Moralane, a re ga a itumedisiwe ke go tlhoka folaga mo motseng wa gagwe. E rile a amogela mothusa tona wa ofisi ya merero ya ga Tautona le bodirela puso, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri kwa motseng oo, Kgosi Modisapodi a re o tshwenyegile ka go tlhoka folaga gammogo le didirisiwa tsa ofisi ya kgosi tse a tlhalositseng fa di ama tiro ya bone fela thata. Mo dikgannyeng tse dingwe, kgosi a re ga a jesiwe monate ke seemo sa tsela e e tswang Mosolotshane, jalo a kopa gore e tshelwe sekontere go ka tokafatsa matshelo a batho ba motse wa gagwe le meraka e e mabapi. O tlhalositse fa meraka e le mentsi mo kgaolong ya gagwe mme go ketefaletsa barui go rekisa leruo la bone ka go sena tsela e e lolameng e ba ka e dirisang. Le fa go ntse jalo, Kgosi Modisapodi o lebogetse mananeo a puso ka a bolela fa a tokafaditse matshelo a bone go menagane. O kopile gore batho ba ba filweng mananeo ba rotloediwe thata, bogolo jang ba ba fiwang a nyeletso lehuma ka e a re morago ba a phuaganye. A re bangwe ba filwe mananeo a ditshingwana mo malwapeng, mme ba maoto a tshupa go ntsha dijo go rekisa gore ba itshetse. Mothusa tona, o lekodisitse morafe ka ditirelo tsa nyeletso lehuma, ba-na-le bogole le tsa go lwantsha segajaja. BOKHUTLO politics 7 ESP e tsisa ditlhabololo kwa Mokgware Moseka phufo yabo ga a swe lentswe. Mafoko a, ke a banni ba Mokgware kwa kgaolong ya Serowe Borwa ba ba sa bolong go leta go agiwa ga diofisi tsa kgotla ka 1984, fa kgaolo ya bone ka nako eo e ne e sa ntse e wela mo kgaolong ya botlhophi ya Mahalapye ka fa tlase ga mopalamente wa pele Rre Goareng Mosinyi a e tswaraganetse le monnawe Luka Mosinyi e le mokhanselara. Lenaneo la go rudisa itsholelo le le simolodisitsweng go itebaganya le ditlhabololo, le ne la seka la feta ba Mokgware ba iphotlhere fela jaaka mo mafelong a mangwe le bone ba ne bona sengwe sa kago ya ofisi ya kgotla e e manobonobo ya (type 1) e e solofetsweng go wediwa mo kgweding eno e ya bokhutlong. E rile a tlhalosa mo potsolosong le BOPA ka kago ya ofisi eo, mogolwane kwa lekalaneng la Ipelegeng kwa khanseleng-potlana ya Palapye, a lebaganye le dikago tseo Rre Patrick Ratsima, a supa fa ba abetse kago eo madi a a fetang P178 million, a supa fa tiro eo e tsweletse sentle e dirwa ke konteraka ya mono gae. Rre Ratsima o ne a tlhalosa gore konteraka eo e thapile bana ba Batswana ba le barataro ba ba tshwereng kago eo ka botswapelo ka maikaelelo a go wetsa ka nako e e dumelanweng. Kgaolo ya Mokgware ke nngwe ya dikgaolo tse di neng tsa etelelwa ke mabutswapele jaaka Dr Gaositwe Chiepe yo ka nako eo e neng e le tona ya thuto, ga tsena Mme Tebelelo Seretse yo e neng e le tona wa papadi le madirelo, mo nakong eno e mo go Dr Pelonomi Venson-Moitoi ba ba itseng sentle ka kgang ya kopo ya ofisi ya kgotla ya Mokgware. Ka dinako tseo tse banni ba neng ba e batla ka tsone go ne go na le tlhaelo ya madi e e neng e ntse e tlhalosiwa ke mabutswapele ao. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Robert Motlhagodi wa Mokgware o ne a re ba tswa kgakala balela ka ditlhabololo mo kgaolong ya bone, dinako tseo Mokgware e ne e le masimo, mme ba kopa tsela, sekole, kokelwana, motlakase, metsi le yone ofisi ya kgotla mme ya re go ntse go ya ba kgona go bona tse dingwe morago ga go godisiwa ga motse. Kgosi Motlhagodi are tota e le ruri moseka phofu yabo ga a swe lentswe, a re ke boitumelo jo bogolo mo banning ba motse wa Mokgware go bona ofisi e e agiwa, mme a re ba solofetse go le gontsi gore tse dingwe tse ba saleng ba di kopile jaaka tsela,motlakase, metsi le tsone di tlaa dirwa fa madi a nna teng. Kgosi o ne a re se se itumedisang segolo bogolo ke gore ofisi eo e tla ka tsotlhe tse di tlhokegang jaaka ditilo le ditafole, ntlo e go tshegeletswang badira molato mo go yone (cell) le koloi. A re metsi kwa kgaolong ya gagwe e santse e le mathata ka ba nosiwa ka koloi, mme ya re a boela kwa ntlheng ka bodiredi a re jone o na le jone kwa kgotleng ya gagwe. O ile a re go nna teng ga mapodisi a mabedi go ba thusitse thata go lwantsha borukutlhi ja bogodu ja leruo jo bo ntseng bo apesitse kgaolo ya gagwe kobo ka letshoba mo dingwageng tse dintsi, go neelwe dithata tsa dikatlholo le gone go ba tiisitse moko fela thata. O ne a dira boikuelo mo pusong, a re a e ne e re go agiwa diofisi tsa mofuta o go akanyediwa le matlo a bodiredi a a tlhaelang thata mo kgaolong. O ne a seka a fetsa a supa boitumelo ja gagwe ka monyenyo fa a ntse a bua ka ditlhabololo tsa motse wa gagwe. society 9 Tona Molao o ikatumetsa dikole Tona wa Thuto go tswa kwa Moding, Rre Fidelis Molao, o ne a etetse dikole tse dikgolwane tsa Shoshong le Madiba bosheng. O tlhaloseditse baeteledipele ba Madiba fa tiro e ntsi mo lephateng la thuto e le kwa dikoleng mme a ikaelela go nna gautshwane le dikole gore a lemoge letlhoko la tsone le gore go ka dirwa eng go tokafatsa seemo sa maduo a ditlhatlhobo. A re setshaba ga se e itumedisiwe ke ka fa maduo a lekwalo la botlhano a leng kwa tlase ka teng. Ke sone se a kopanang le bogogi jwa dikole, barutabana le boeteledipele jwa motse go amogana maele a go tokafatsa seemo. “Maduo a ga a intumedise ka a le kwa tlase ga seelo sa masome a matlhano. Re tshwanetse ra bona gore ga go a tsamaya sentle fa kae, mme re dumalana gore re ka baakanya jang seo,” Tona Molao a supa. Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere, o lebogetse tona go bo a tsere matsapa go etela sekole sa Madiba go itseela ka tlhamalalo seemo sa sekole seo. Fa a ntsha la gagwe, mogolwane wa thuto kwa Mahalapye, Mme Maria Dikeme o boletse fa sekole sa Madiba se supile maduo a a tokafetseng mme a supa fa botlhoka tsebe jwa baithuti bo kgoreletsa thuto. O file sekai ka tiragalo ya bosheng e moithuti wa Madiba a ketikileng morutabana. A re moithuti yoo o seegetswe fa thoko malatsi a le masome a mabedi. Mo godimo ga moo, Mme Dikeme a re mokwalo o o kopang go koba ngwana mo sekoleng le one o setse o isitswe kwa bogoging. Fa a kgwa tona dikgaba, mogokgo wa sekole sa Madiba, Mr Oscar Tshupelo o supile fa maduo a sekole mo dikoleng tsotlhe tse dikgolwane a tsholetsegile go tswa kwa go masome a mabedi le boraro ka 2018 go ya kwa go lesome le botlhano ka 2019. Letsatsi pele ga leeto la ga Tona Molao, Mopalamente wa Shoshong, Rre Aubrey Lesaso o ne a nna le bokopano le bogogi le barutabana ba sekole se segolwane sa Shoshong le bangwe ba baeteledipele ba motse. Mo bokopanong joo, Rre Lesaso o supile fa a tshwenngwa ke kwelotlase ya maduo a sekole sa Shoshong a lekwalo la botlhano. Rre Lesaso a re e ne e le go akantshana le go tswa ka megopolo le ditharabololo tsa gore go dirwe jang go tokafatsa seemo sa maduo a Shoshong go ya pele. Le fa barutabana le bone ba santse ba lela ka dikgwetlho tse di farologaneng mo tirong ya bone, Rre Lesaso o ba kopile go dira tiro ya bone ka tlhwaafalo le boineelo gore maduo a tokafale. A re o amiwa ke gore palo e potlana ya baithuti e dirile botoka mo ditlhatlhobong, fa bontsi bo sa dira sentle. Mogokgo wa sekole, Rre Peter Moalosi o akgoletse mopalamente maiteko a gagwe a go laletsa Tona Molao go etela sekole. Rre Moalosi o supile matshwenyego a gore e sa le sekole se bulwa ka 1994, dikago tsa sone ga di ise di ntshafadiwe. A re seemo sa matlo a barutabana le sone ga se itumedise e bile metsi mo sekoleng a nna fela a kgaogile. education 4 Tshwaragano ya dikomiti e botlhokwa Mothusa tona mo lephateng la tlhabololo banana, metshameko le tshomarelo ngwao, Rre Dikgang Makgalemele o gwetlhile dikomiti tsa motse wa Mmutlane go nna seopo sengwe go tsweledisa ditlhabololo tsa motse. Rre Makgalemele o buile jaana bosheng mo phuthegong le baeteledipele ba motse oo le dikomiti ka go farologana. A re VDC e okametse dikomiti tsotlhe tse di mo motseng le gone go etelela mananeo a ditlhabololo pele. “Ke lona tshoso e rweleng fa go buiwa ka ditlhabololo tsa motse,” ga tlhalosa Rre Makgalemele. A re dikgang di akaretsa letlhoko la ditiro mo motseng le seemo sa lehuma ke boikarabelo jwa komiti ya ditlhabololo go di batlela tharabololo. Rre Makgalemele a re VDC e tshwaragane le komiti ya badirelapuso (Village Extenstion Team) le ya twantsho borukutlhi go baakanya motse. “Etelelang pele lenaneo la nyeletso lehuma le go bona gore dikgwebo tsa ba ba thusitsweng ka lenaneo leo di a itshetlela.” O ne a tlhalosa fa mananeo a thusa go tokafatsa thuto, go ema lephata la botsogo nokeng le go thusa mapodisi go lwantsha borukutlhi e le boikarabelo jwa morafe o eteletswe pele ke dikomiti. Rre Makgalemele a re o tshwenngwa ke gore o tswa kgakala a rotloetsa gore dikomiti tsa morafe di eme ka dinao go supa seabe sa tsone mo go tlhabololeng le go lwantsha mathata a a apereng metse ya bone mme go se nko e tswang lemina. “Ke kopa gore VDC e tlhotlhomise mathata a morafe gore ba kgone go thusa ba boipelego go bona ba ba tlhokang thuso,” ga tlhalosa Rre Makgalemele. O ne a supa dikereke ka monwana a re ga di dire go lekanye go thusa go lwantsha lehuma. Mo go tse dingwe, o ne a supa fa a tshwenngwa ke letlhoko la ditiro, a tlatsa ka gore ga se botlhe ba ba nnang bagwebi, ka jalo go botlhokwa go godisa mhama wa kgwebo le go tlhama diphatlha tsa ditiro. Rre Makgalemele o ne a gwetlha dikomiti tsa motse go rotloetsa morafe go godisa le go tswakanya mhama wa temo-thuo ka gore o na le bokgoni jwa go tlhama ditiro. A re dikgwebo di akaretsa go dira pholeche, dithoto tsa matlalo ga mmogo le go gweba ka nama ke dingwe tse ba akanyang go tsena mo go tsone. Fa a akgela mo mafokong a ga mothusa tona, mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Binang Molema o ne a tlhalosa fa batho ba ba mo lehumeng ba tlhoka go fiwa dithuto tsa tshidilo maikutlo gore ba kgone go amogela seemo se ba leng mo go sone le gone gore ba ka tokafatsa matshelo a bone jang. Mme Molema a re lehuma le tseela motho seriti, ka jalo bangwe ba batho ba ba mo seemong se ba tlhajwa ke ditlhong go kopa thuso le ba ba eletsa go itirela sengwe mo matshelong a bone. O ne a supa fa go tlhabisa ditlhong go bona bangwe ba batsadi ba ba babaletsweng ke lehuma ba na le bana ba ba itsholetseng mme ba ba itlhokomolositse. BOKHUTLO politics 7 Morafe o na le tshwanelo ya go latedisa dikgang Mopalamente wa kgaolo ya Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele a re morafe o na le tshwanelo ya go latedisa dikgang fa ba sa kgotsofalele dikarabo tse ba di fiwang ke boeteledipele jwa bone jwa sepolotiki. Rre Makgalemele o tlhalositse jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Bonwapitse bosheng, a supa gore go dira jalo ke go tsaya boikarabelo le go nna le seabe le gone go tlhaloganya lenaneo la ditlhabololo tsa motse. Mopalamente Makgalemele yo gape e leng mothusa tona mo lephateng la go fa banana dithata, motshameko le go tsosolosa ngwao o ne a tsibogela mafoko a a duleng ka pego ya modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Bonwapitse, Rre Kebadire Goromente. Mo pegong ya gagwe, Rre Goromente o ne a ngongorega ka tiego ya kago ya bonno jwa baithuti kwa sekoleng se segolwane kwa Kalamare. Rre Goromente o ne a supa fa ba sa kgotsofalele dikarabo tse ba di fiwang ke mopalamente a re tse ba di bonang ga di tsamaelane le se a se buang. O supile gore ba tswa kgakala ba lela ka gore bana ba latela sekole se segolwane kgakala, ka jalo go botlhokwa gore go fefosiwe kago ya bonno jwa baithuti kwa Kalamare. Ka jalo, Rre Goromente a re o bona go le botoka gore batsadi ba Bonwapitse, Kalamare le Mmutlane ba tsosolose lekoko la metse ka boraro la BOKAMMU gore ba kgone go rongwa go ya go itebaganya le tona wa lephata la thuto go tswa kwa moding, Rre Bagalatia Arone gore ba kgone go ikutlwela boammaaruri ka kgang e. Rre Makgalemele a re ke boamaruri tiego ya ditiro tsa ditlhabololo ke selo se se tshwenyang. E rile a itebaganya le kago ya bonno jwa baithuti kwa sekoleng se segolwane sa Kalamare, Rre Makgalemele a supa gore o dirile jaaka morafe o ne o kopile gore a latedise kgang ya gore tiro e tlaa simolola leng. A re bosheng jaana o ne buisana le Tona Arone ka mogala, a botsa gore tiro ya dikago tsa bonno jwa baithuti kwa Kalamare e solofetswe go simolola leng. A re karabo e a e filweng ke gore konteraka e abetsweng go dira tiro eo e solofetswe go kwa motseng wa Kalamare mo sebakeng sa kgwedi tse tharo. Rre Makgalemele a re o dira bojotlhe go sala morago le go tlhotlhomisa seemo sa ditiro tsotlhe tsa ditlhabololo tse di solofetsweng go dirwa mo kgaolong ya Shoshong a tlatsa ka go re o itse mosola wa tsone mo matshelong a morafe. “Mme fa le dumela gore le ka dira maiteko mangwe go latedisa kgang nngwe le le morafe, le gololesegile go dira jalo. Ke tlaa dumela gore go tlaa thusa gore le lona le itseele jone boamaruri jo ke bo fiwang.” Mopalamente Makgalemele a re go lwantsha kgang ka methale e e farologanyeng go botlhokwa. BOKHUTLO politics 7 Rakgare o aba dimpho tsa keresemose Mopalamente wa Mogoditshane, Rre Tumiso Rakgare, o abetse mokgatlho o o tlhokomelang bagolo wa Network for Senior Citizens Empowerment Trust (NESECET) dimpho tsa keresemose. Fa a bua kwa moletlong wa kabo dimpho o o neng o tshwaretswe kwa Mogoditshane bosheng, Rre Rakgare ne a akgolela mokgatlho wa NESECET ka fa o tlhokomelang batsadi ka teng. Rre Rakgare, yo gape e leng tona wa lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao, a re o itumelela se mokgatlho o se dirang ka go tshwanela gore basha ba lemoge kgodiso e batsadi ba bone ba ba godisitseng ka yone. O kgothaditse banana go ithuta ngwao ya Setswana le ditsamaiso tsotlhe tsa Setswana mo batsading gore ba kgone go fetisetsa thuto kwa dikokomaneng tsa bone. O bile a gatelela gore mafoko a a reng ‘tlotla mmaago le rraago gore malatsi a gago a lelefadiwe,’ a tshwanetse go agelwa mosako ke basha mme ba tseye boikarabelo jwa go tlhokomela batsadi ba bone. Moruti wa kereke ya Sabata, Rre Tshephang Ramasankate, o tlhalositse gore mafoko a a buiwang ke Baebele a a reng “tlotla rraago le mmaago gore malatsi a gago a ntsifadiwe,” e le mafoko a a nang le bokao jo bo kwa teng. A re mafoko a, ga a reye tlotla fela mo botsading mme bokao jwa one bo raya gore batsadi ba tsholelediwe kwa godimo. A re bana ba a tlamega go tlhokomela le go tlamela batsadi ba bone gore ba seka ba phailwa ke phefo ba nne le seriti mo setshabeng. O tlhalositse gore go a tlhobaetsa go bona bana ba phatsima, ba nna mo mantlontlong mme batsadi ba bone ba sotlega. “A phatshimo ya gago e nne ka fa batsading ka jaana batsadi ba gago e le tshegofatso,” Moruti Ramasankate a bua jalo a bo a kgothatsa batsadi go nna le lentswe ebile ba tsenye lentswe la kgalemo mo baneng ba seka ba swa senku. Mosimolodise wa mokgatlho, Mme Keneilwe Mpuang o tlhalositse fa o tlhamilwe ka 2010. A re pele fa a tlaa simolodisa mokgatlho, o ne a gwetlhiwa ke go bona ka fa mafatshe kwa moseja a a tlhabologileng ba tlhokomelang bagolo ka teng fa a ne a ile koo go ikoketsa dithuto. A re ka a ne a patelesega go ya dithutong koo, o ne a tshwanelwa ke go tlogela mmaagwe yo ka nako eo a neng a na le dingwaga di le masome a robabobedi le bone, mo tlhokomelong ya monna wa gagwe. A re se, se ne se sa mo jese monate mme ke ka moo e ne yare a bona batho ba mafatshe a mangwe ba a fa bagolo seriti ka tlhokomelo e e kalo, se sa dira gore a akanye go tla go diragatsa mogopolo o mo gae ka a ne a itemogetse gore bagolo ba bantsi ga ba bone tlhokomelo e e netameng. A re maikaelelo a NESECET ke go tlhokomela bagolo le go ba fa ditlamelo tse ba ditlhokang. E ne ya re morago ga go dira dipatlisiso, Mme Mpuang a re a lemoga fa bagolo ba bolaiwa ke bodutu ka ebile tlhokomelo e ba neng ba e tlwaetse ya Setswana e sa tlhole e le teng ka gore bana ba a bereka mme a bona go le botlhokwa gore a batle bangwe ba ba ka mo thusang go dira legae la bagolo le ba tlaa nnang ba tlhola kwa go lone ba itshidila mebele le go bona ditlamelo le dithuso tse ba di tlhokang. arts_culture_entertainment_and_media 0 Batsadi ba rotloediwa go tsenya letsogo mo dithutong tsa bana Batsadi ba motse wa Xere mo kgaolong-potlana ya Boteti Bophirima ba rotloeditswe go tsenya letsogo mo dithutong tsa bana ba bone. Se se builwe ke mogolwane wa thuto Rre Othusitse Namane ko phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke tona wa dikgaolo le tlhabololo magae yo gape e leng mopalamente wa Boteti Bophirima Rre Slumber Tsogwane ko motseng oo ka Labone. Rre Namane a re maduo a sekole se sebotlana sa Xere a kwa tlase mme a supa gore ka ngwaga wa 2015 ba ne ba fentse ka lesome le bosupa mo lekgolong ba le mo maemong a bo 25 ka 2016, fa ba fentse ka masome a mararo le borobabobedi mo lekgolong ba ntse ba le mo maemong a bo 25 e le bone ba bofelo mo dikoleng tsa kgaolo ya Boteti ka bophara. Rre Namane a re mathata a ba kopanang le one ke a batsadi ba ba sa tseneng diphuthego tsa batsadi le barutabana. A re batsadi ba bana ba sekole se sebotlana sa Xere ga ba kgathale ka thuto ya bana ba bone ka jaana ba bangwe ba tlogela sekole mme batsadi ba se ke ba tsiboge. Rre Namane a re mogokgo wa sekole se o tshwere bothata ka gore nako e ntsi ke ene a latelang bana fa ba sa iponatse ko sekoleng. Rre Namane o ne a ba kopa go tsenya letsogo mo thutong ya bana ba bone a re barutabana ga ba kake ba kgona ntle le thotloetso ya batsadi. Rre Namane o ne a supa gore barutabana ba nakwana ba rutetswe tiro ke gore fela ga ba hirelwe ruri. E ne e rile go le pele modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Erick Semausu a tlhalosa fa go na le tlhaelo ya barutabana ba sennela ruri ko sekoleng se sebotlana sa Xere. Rre Semausu o ne a supa fa tlhaelo ya barutabana e le yone e bakang gore maduo a wele tlase a re go dirisiwa barutabana ba nakwana ba le bane ba a reng fa lebaka la bone le wetse go tsaya sebaka gore ba emisetswe. Modulasetilo o ne a supa gape gore ntlwana ya boapelo e sale e tlogetswe e sa fela, a tlatsa ka gore ko kokelwaneng go dirisiwa sefetlhamotlakase se a reng bosigo se a tima a re ba kopa go tsenyetswa motlakase wa marang a letsatsi. O ne gape a re ba kopa mooki yo o belegisang ka gore ko baimana ba isiwang teng ko sepateleng sa Rakops go kgakala, a re seemo se se dira gore nako e ntsi baimana ba belegele mo malwapeng. Tona Tsogwane o ne a ba lekodisa ka tse di builweng ko palamenteng e e fetileng a tlhalosa gore lenaneo la ditogamaano la NDP11 le ya go godisa itsholelo ka bojanala le temo-thuo ka jalo a ba rotloetsa go tsaya mananeo a tsone ba bo ba dire ka thwaafalo gore e nne kgwebo. Rre Tsogwane o ne a ba rotloetsa go tsosolosa lekgotla la ditlhabololo la bone la motse gore ba tle ba dire dikgwebo tsa bojanala ka lone. BOKHUTLO education 4 Boitshwaro jo bontle tharabololo ya mogare Banana le bagolo ba tshwanetse go fetola boitshwaro jwa bone jwa go tlhakanela dikobo gore ba kgone go fokotsa go anama ga mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS mo lefatsheng leno. Mafoko ao, a builwe ke mmakaseterata wa Ghanzi, Rre Thato Tshweneyagae, fa a ne a bula letsatsi la kgwedi ya banana kgatlhanong le mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS semmuso. Rre Tshweneyagae a re fa Batswana ba ka fetola boitshwaro, jaaka go ratana ga bagolo le banana, go anama ga mogare wa HIV go ka fokotsega thata. A re banana le bone ba tshwanetse go nna le seabe sa go ikemela ka dinao, ba tlogele go dirisiwa ke bagolo ba ipata ka letlhoko la madi. A re fa ba ka itebaganya le mananeo a puso, ba ka kgona go bona tse ba di eletsang le go nna bahumi ba dinaledi. O ne a kopa bagolo go tshwaraganela tiro ya go lwantsha mogare wa HIV le banana ka tlhoafalo, le go tlotlana. Rre Tshweneyagae a re banana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro, ba tshwanetse go rutwa gore ba se ka ba tlhakanela dikobo ba sa le bannye. O ba tlhagisitse ka ditlamorago tsa go tlhakanela dikobo ba sa le bannye, e bile a re dingwe tsa tsone e ka nna loso. O kopile Batswana go potlakela go itlhatlhoba kwa dikokelong, e seng go tabogela kwa dingakeng tsa setso. A re puso ya lefatshe leno e neela Batswana dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV, ka jalo ba ba nang le mogare oo ba tshwanetse go ikamogela, ba di nwe, ba tshele sebaka. O ne a kgalemela banana gore ba emise go iphetisa dino, ka le gone go gakatsa kanamo ya mogare wa HIV, a bo a ba kopa go dirisa ditalente tsa bone go itshetsa. Mokhanselara yo o itlhopetsweng, Mme Gakeolete Dikoma, o ne a lebogela puso go thusa Batswana ka dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV. BOKHUTLO education 4 Banana ba kopiwa go fokotsa dino Banana ba Serule le Moreomabele ba kopilwe go fokotsa tiriso ya nnotagi mme ba itebaganye le go tokafatsa matshelo a bone ka go batla maano a itshetso. Se se builwe ke mopalamente wa Serowe Bokone ebile e le mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Kgotla Autlwetse mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng eo. Rre Autlwetse o tlhalositse fa go dirwa ga tsela e e tshwaraganyang Serule, Tshimoyapula, Topisi le Mabeleapudi e le gaufi le go simololwa ka e setse e neetswe mong wa kontaraka, yo o supileng fa ba setse ba le mo thulaganyong ya go sekaseka fa ba ka agang kampa teng. Rre Autlwetse o supile fa Unik Construction e le yone e abetsweng tiro ya go dira tsela mme ba supile fa ba tlaa thapa badiri ba feta lekgolo. A re o ne a kopana le mong wa konteraka go mo kopa gore a leke ka gotlhe gore batho ba metse e e amegang e nne bangwe ba ba thapiwang gore ba kgone go oba letsogo. Rre Autlwetse o ne gape a supa fa a ne a kopa gore fa go na le ditiro tse ba batlang di dirwa ke dikhamphani tse dingwe, ba sekaseke tsa metse e e amegang. Rre Autlwetse o ne a kopa ba ba tlaa nnang lesego go bona tiro gore ba dire ka thata gore e se ka ya ba tswa diatleng ntateng ya go nwa bojalwa phetelela. Rre Autlwetse a re kago ya tsela e tlaa nna le di-tla morago tse bangwe ba ka sekang ba di itumelela jaaka go tsaya lefelo la mafudiso. O supile fa bangwe ba tlaa bona se ba se isang kwa maleng ka go hirisa matlo ka nako e tsela e tlaabong e dirwa. Rre Autlwetse a re letlhoko la ditiro mo bananeng le amile Botswana ka bophara, mme a kopa banana go inaakanya le mhama wa temo-thuo ka e le one o o supang o na le mmaraka e bile o le bogadi bo gaufi. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Serule, Rre Lefetsakgang Mokhondo o lebogetse kago ya borogo jwa Motse wa Thubega jo bo setseng bo fedile, matlo a batlhoki a le matlhano a le one a fedileng e bile ba solofetse ntlo e nngwe e e tlaa bong e agwa ke ba Choppies mo bogaofing. Kwa Moreomabele, Kgosi Kgololo Motshwaedi o lebogetse leobo le le setseng le le mo tirisong le agilweng ka madi a dikgaolo tsa botlhophi. Kgosi Motshwaedi a re banni ba Moreomabele ba na le tsholofelo e ntsi gore motse wa bone o tlaa tswelela o bona ditlhabololo fa lenaneo la madi a dikgaolo tsa botlhophi le ka tswelela. BOKHUTLO health 6 Ba rutwa tsamaiso ya dihosetele E rile bosheng, batlhokomedi ba bana ba batlhoki le ba dikhutsana ba ba nnang kwa dihoseteleng tsa Mphuthe yo mogologolo kwa Letlhakeng, ba bo ba tshwere thuto-puisano ka bana ba ba nnang kwa dihoseteleng tsa Mphuthe kwa holong ya dihosetele tseo. Fa a tlhalosa tsamaiso le tiriso ya dihosetele tseo, mmaboipelego yo o itebagantseng le batlhoki, Mme Otoleng Serite o kaile fa bana ba ba nnang mo dihoseteleng tsa Mphuthe yo mogologolo e le bana ba dikhutsana le ba batsadi ba bone ba sa kgoneng go ba thusa ka dingwe go tswelela le tsa thuto. Mme Serite o supile fa bana bao e le ba dikgaolo tsa Sesung, Ditshegwane le Metsibotlhoko mme e bile ba ne ba dumelelwa kwa sekoleng se segolwane sa Mphuthe ka ba sekole sa Mahupu kwa Takatokwane le sa Lempu kwa Salajwe go ne ga tlhalosiwa fa palo ya baithuti kwa dikoleng tseo e le kwa godimo. O tsweletse a tlhalosa fa go ne go dirisiwa dibese go ba tsaya kwa mafelong a bone go ya sekoleng mme ba bona fa go le bokete ka madi le one a ne a dirisiwa a le mantsi, ka jalo ba bona go le botlhokwa gore ba baakanye sekole se segologolo go se dirisa e le dihosetele. Mme Serite o tsweletse a kaya fa dihosetele tse di kgonne go bulwa ka Hirikgong mono ngwaga e bile bana ba di dirisa mo bogompienong. Fa a tlhalosa tiriso ya tsone, Mme Serite a re bana ba ba nnang mo dihoseteleng tseo ke ba basetsana ba le masome a matlhano le boraro le ba basimane ba le masome a mararo le bongwe mme botlhe ba le masome a le borobabobedi le bone. A re bana ba, ba sireletsegile thata ka go na le bommeiterone ba ba ba tlhokomelang le badisa dikago. O tsweletse a tlhalosa fa bana bao ba a ja gabedi ka letsatsi, dijo tsa phakela fa ba ya sekoleng le tsa maitseboa ba tswa sekoleng. Mmaboipelego o ne gape a kaya fa ba sa kganele batlhokomedi kana batsadi go kopa bana go ya go ba lekola kwa malwapeng a bone mme a supa fa seo se tshwanetswe go dirwa ka fa molaong le mmeiterone kana le bommaboipelego ka go kopa ngwana le go mmusetsa mo dihoseteleng. O ne gape a tlhalosa fa ba ka seke ba gane go neela batlhokomedi kana batsadi bana ba bone go ya go nna le bone kwa gae fa ba lemogile gore mabaka a bone a botshelo a tokafetse. Mme Serite o gwetlhile batsadi le batlhokomedi ba bana ba ba nnang koo, go dirisana le bone le go nna ba tla go lekola tiro ya bana ba bone ya sekole. Bokhutlo society 9 Ba rapedisa dikotsi tsa tsela ya A1 Dikotsi tsa dikoloi tse di diragalang mo tseleng ya A1 go tswa Ramatlabama go ya Ramokgwebana di tshwentse mapodisi a Tshesebe. Matshwenyo ano a dirile gore ba itshwaraganye le dikereke ka go farologana le banni ba metse e e welang ka fa tlase ga kampa eo, go tshwara merapelo mo tseleng eo go kopa mautlwelobotlhoko kwa Modimong. Tirelo eo ya go rapedisa tsela e ne e tshwaretswe kwa Tshesebe bosheng, kwa tseleng eo ya A1 kwa lefelong le go tlhalositsweng fa dikotsi ka bontsi di diragala teng. Bosheng jaana ka Ngwanaatsele, batho ba le bararo ba ne ba tlhokafala mo kotsing ya dikoloi gone kwa lefelong leo. Fa a nankola maikaelelo a letsatsi leo, mookamela mapodisi a Tshesebe, Superintendent Amos Kekgathetse a re e re ka jaana ba le mo malatsing a le masome marataro a go lwantsha borukutlhi le dikotsi tsa tsela, ba ne ba bona go tshwanela gore ba lwe ka gotlhe mo ba ka go kgonang. Seno se akaretsa go kopa Modimo go tsaya taolo le go thusa gore tsela ya A1, e kampa ya bone e tsayang bontlha bongwe jwa yone, e nne e e babalesegileng mo dikotsing tsa tsela. Supt Kekgathetse a re ba ne ba dira jalo gape go rotloetsa ba dikereke go nna le seabe mo go lwantsheng dikotsi tsa tsela le gore ba kgone go tlhaloganya botlhokwa jwa go nna ba gasa efangele ya pabalesego mo ditseleng kwa dikerekeng. O ne a tlhalosa fa mmaba yo mogolo mo go bakeng dikotsi e le bojalwa le ditagi, a re mme fela go na le dingwe tse gantsi di bakang dikotsi tsa tsela, tse maloko a dikereke ba amegang mo go tsone, tse di tshwanang le letsapa le boroko. Gape o ne a gwetlha batho go nna ba itapolosa fa ba ikutlwa ba le mo seemong se se sa itekanelang go kgweetsa. A re ka jaana go supagala fa banana e le bone gantsi ba amegang mo dikotsing tsa tsela, go botlhokwa gore batsadi ba bue le bone ka bodiphatsa jwa go inaakanya le dilo tse di ka tsenyang matshelo a bone mo diphatseng. O ne a nankolela batsena tirelo eo ka ditiragalo tsa dikotsi mo kgaolong ya gagwe, a supa fa mo go 2015 mo dikotsing tsa tsela tse di neng di le masome a matlhano le borataro, mo go tsone di supa di ne tsa gapa matshelo a batho ba le lesome le bobedi. A re ka 2016 go nnile le dikotsi tse di masome a supa le bongwe tse mo go tsone tse thataro di gapileng matshelo a batho ba fera bongwe. Supt Kekgathetse o a boletse fa monongwaga go fitlha jaana, go nnile le dikotsi di le masome a mane le boferabongwe mme mo go tsone batho ba fera bongwe ba ne ba latlhegelwa ke botshelo mo dikotsing tse thataro. E rile a ntsha lefoko la kgothatso, Kgosi Sibangani Mosojane wa Mosojane a kopa bakgweetsi go ithuta go nna pelotelele mo ditseleng. A re bontsi jwa dikotsi tse di diragalang mme di ne di ka tilwa, di diragala ka ntlha ya go tlhoka bopelotelele ga Batswana. Kgosi Mosojane o ne a bo a gakolola batho go obamela lebelo le ba tshwanetseng go kgweetsa ka lone. O ne gape a kopa batho gore ba seka ba letlelela boitumelo go ba fekeetsa mo ba ka felelang ba baka mathata, a a neng a sa tshwanela go diragala. Mo mafokong a gagwe a malebo, mokhanselara wa kgaolwana ya Tshesebe, Rre Smarts Mathonsi o ne a re o dumela fa barulaganyi ba merapelo eo ba dirile jalo ka tlhotlheletso ya mowa o o boitshepo. A re ba supile fa ba kgathala ka dikotsi tse di diragalang mo tseleng eo. O ne a bo a leboga ba dikereke go bo ba ne ba itlama go tlogela dikereke tsa bone ka lone letsatsi leo ba tla go obamela kwa lefelong leo. Gape o ne a kopa gore merapelo ya mothale o e nne e tshwarwa gangwe le gape go na le gore e tshwarwe fela fa go nnile le masula. Mokhanselara Mathonsi o ne gape a gakolola beng ba leruo le gantsi le sasankegang mo tseleng ya A1 go le tlhokomela le go le tlhatlhela ka le lone le na le seabe se segolo mo go bakeng dikotsi. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Tsheko e tla tswelela Kgotla ya ditsheko ya Village e sa tswa go itsisiwe fa ditlhotlhomiso di weditswe tsa kgang e mo go yone, Batswana ba le batlhano le Baswati ba le babedi ba fitlhetsweng ka setlhatshana se se tagang sa motokwane. Erile fa a lekodisa mmakaseterata mogolo Mompati Taolo ka Mosupologo, Detective Sub-inspector Baleofi Disho a re o neetse basekisiwa pego ya maduo a tlhatlhobo e e supang gore setlhatshana se se neng sa tshwarwa mo go bone, e ne e le motokwane wa bokete ja 7.7kg. A re basekisiwa ba tlaa bo ba neetswe dipampiri tsotlhe pele ga tsheko e tsena ka Lwetse a le 19. Mmakaseterata mogolo Taolo o ne a laola bosekisi gore ba bo ba neetse ba ba lebisitsweng molato dipampiri tsotlhe tse di tlhokafalang dibeke tse pedi pele ga tsheko e tsena gape go e ipaakanyetsa. Mmueledi wa Baswati, Rre Lyndon Mothusi o ne a rurifatsa gore se mosekisi a se buileng a bolela gore legale o tlaa kopa gore go nne le pharologanyo ya mabaka a go letela tsheko kwa ntle gore ba a ba emetseng ba kgone go etela ba malwapa a bone kwa Swaziland ka gore ga ba bolo go nna mo Botswana faesale ba tshwarwa. Pampiri ya molato e supa fa batho ba ba supang bao, ba tshwerwe ka Motsheganong a le 27, 2016 kwa Tsholofelo East mo Gaborone ka ba ne ba tshotse motokwane e se ka fa molaong. Maina a bone ke; Sydney Mfanukhona Lushaba, Dalton Dogerville Steenkamp, botlhe ba tswa Swaziland le Tumisang Segwagwa, Moemedi Batsile, Gape Itweleng, Maatla Tlhabaki le Reginald Setswammung. Batswana le bone ba ne ba letlelelwa go letela tsheko kwa ntle, ka ditumalano tsa gore ba duele P5000 mongwe le mongwe wa bone ba bo ba tsise moemedi yo o ka itlamang go duela P2000, ba seka ba dira molato ope, ba bo ba ipege gangwe fela ka Labone mongwe le mongwe kwa diofising tsa CID Serious Crime Squad. Baswati bone ba ne ba laolwa go duela P1000 mongwe le mongwe ba bo ba tsise mongwe yo o ka itlamang go ba duelela P5 000 mongwe le mongwe wa bone. Mabaka a mangwe a go letela tsheko kwa ntle a ne a tshwana fela le a Batswana. crime_law_and_justice 1 BMC e tshepisa go duela baruakgomo ka nako Mogolwane wa matlhabelo a Botswana Meat Commission (BMC), Rre Bosiela Saudu, o tlhomamiseditse baruakgomo fa ngwaga ono ba tlaa ba duela ka nako. O buile se kwa bokopanong jwa BMC le baruakgomo jo bo neng bo tshwerwe ka Labobedi kwa Tshimoyapula. A re ngwaga o o fetileng ba nnile le mathata a go duela baruakgomo ka nako e ba neng ba e ba tshephisitse ka gore mebaraka ya bone e leng Angola le Aferika Borwa e sa dire sentle mo go tsa itsholelo. O tlhalositse fa Angola e le lefatshe le le ikaegileng ka leokwane mme e bile le sena diruiwa ka mabaka a dintwa tse di kileng tsa nna teng mo lefatsheng leo. Ka jalo, Rre Saudu a re ngwaga o o fetileng leokwane le ne le sa rekiwa sentle ko Angola mme seo sa dira gore lefatshe leo le palelwe ke go reka nama. Rre Saudu o tlhalositse gape gore ledi la Aferika Borwa le ne la fokotsega boleng, ka jalo lefatshe leo le ne la fokotsa tse ba di rekang mo mafatsheng a sele. “Re le ba BMC re ne ra akanya go rekisetsa South Africa nama ka ditlhwatlhwa tse di ko tlase, mme ba re ba thapileng gore ba re rekisetse nama e leng ba Global Protein Solutions (GPS) ba re gakolola gore re lete ka tsholofelo ya gore seemo se tlaa tokafala gore re seka ra bona ditatlhegelo tse di kalo,” ga bua Rre Saudu. O ne a tlhalosa gore ba ne ba na le selekanyo sa nama e e ka dirang P36 million mo ditsidifatsing tsa bone, mme ba kolota baruakgomo madi a a kanang ka P23 million. Mogolwane o ne a re se se supa gore fa mebaraka ya bone e ne e sena mathata ba ka bo ba kgonne go ba duela ka nako e e neng ba e tshephisitse. A re go tila dikgwetlho tse di tshwanang le tsa ngwaga o o fetileng, ba tsene mo dipuisanong le lefatshe la Israel ka maikaelelo a go leka go oketsa mebaraka ya bone. A re go nna le mebaraka e mentsi go ka ba thusa gore e re o mongwe o na le mathata ba tshabele ko go o mongwe. Rre Saudu a re monongwaga ba tlaa duela baruakgomo mo malatsing a le lesome le bone go ya ko go a le masome a mabedi le motso go tswa mo nakong e ba rekiseditseng BMC dikgomo ka yone. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Lekoko le sekaseka bomaipaafela Banni ba Letlhakane mo kgaolong potlana ya Boteti ba kopilwe go thusa lekoko la kabo ditsha le le romilweng ke tona wa ditsha go sekaseka kgang ya bomaipaafela. Kopo e e dirilwe ke modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha kwa Tati, Rre Kgotlaetsho Morakanyane, yo e leng modulasetilo wa lekoko leo, fa ba ne ba rolela morafe wa Letlhakane mabaka a thomo ya bone ka Labobedi. Rre Morakanyane o ne a tlhalosetsa morafe fa ba romilwe ke tona wa ditsha go sekaseka ka fa lefatshe le tsamaisiwang ka teng, ka jaana motse wa Letlhakane e le mongwe wa e e nang le kgogedi ya batho ba ba batlang ditsha ka lebaka la meepo, selo se se bakang gore go nne le bomaipaafela. Rre Morakanyane a re kabo ya ditsha e tsamaisiwa ka molao, a tlhalosa fa go ikabela lefatshe e le molato, a tlatsa ka gore ba ya go sekaseka bomaipaafela ba metse, masimo, didiba le meraka, ba tsaya dipalo tsa bomaipaafela le gore ba ntse mo mafelong ao lebaka le le kae. O ne gape a re dikgang tsa peo ya bogologolo, lekgotla la kabo ditsha le ise le nne teng, e ne e dirwa ke bogosi. Tebang le seo, a re ba ya go sekaseka dipeo tsa go nna jalo, tse a reng di tlhokana le bosupi. A re puso e tshwentswe ke bomaipaafela, ke ka moo go ntshitsweng lekoko le go tla go batlisisa ka dikgang tsa mofuta o, a tlatsa ka gore morafe ke one matlho a dikgosi, ka jalo a re ke bone ba ka thusang gore ditshekatsheko tse di atlege. politics 7 Mapodisi a tshwere mmelaelwa ka dipodi Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone ba tshwereng mmelaelwa ka dipodi tse di fetang masome a mane tse ba belaelang e le tsa bogodu. Mo potsolotsong le BOPA, mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng, Superintendent Daniel Katse, o tlhalositse fa babelaelwa ba ne ba le bane ka palo, mme ba le bararo ba ne ba inaya naga fa ba bona mapodisi. O tlhalositse fa dipodi di le masome a mararo le borobabobedi di setse di bone beng, fa di le lesome le bobedi di ise di bone beng. Ka jalo, o ne a ikuela mo baruing go ikopanya le mapodisi a Letlhakeng fa ba timeletswe ke dipodi. Supt. Katse o tlhalositse gore ba belaela fa dipodi di ka tswa di tswa kwa kgaolong ya ga Ngwaketse bophirima kana Kweneng bophirima. O boletse gape fa mo go tsone, dipodi di le tharo di le dinaana, di le tharo di le ditshwaana gape di le tlhogo khibidu, fa e le nngwefela mo go tsone e rwele tloloko e e mogala mohibidu, mme tsotlhe di tshwailwe letsekana mo ditsebeng tsotlhe. O ne a tswelela a tlhalosa fa podi e nngwe e tshwaana e le tlhogo ntsho, e nngwe e le khunwana tshunyana, mme tsotlhe di tshwailwe letsekana mo ditsebeng tsotlhe. Supt. Katse o tlholositse fa podi e nngwe e le tlhogo khibidu, e nngwe e le khunwana e e senang dinaka, e nngwe e le khunou e sena dinaka le phoko e nala, tsotlhe di tshwailwe letsekana mo ditsebeng tsotlhe. O kopile barui go tlhola leruo la bone kgapetsakgapetsa, le go dirisana le badisa sentle, a bo a ba kopa gape gore fa ba bona motho a pega leruo mo koloing mme ba mmelaela, ba begele mapodisi ka bofefo jo bo kgonagalang. O tlhalositse fa leruo le utswiwa thata mo kgaolong ya gagwe, mme se se utlwisang botlhoko ke gore barui ba tlhola leruo la bone morago ga lobaka. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Go tsofala yo o ratang - Maseko Mme Onkemetse Maseko, yo o dingwaga tse di masome marataro le borobabobedi (68), yo e leng monni wa Mandunyane, o ne a ithuta go dira ka diatla ka dingwaga tsa bo 1960 a dirisa thudi a loga ditlatlana le go roka diaparo. Mme Maseko a re e rile a setse a itse go loga ka botswerere a simolola go ruta bomme ba bangwe tiro e ya go loga ka 1975 fa a ne a simolola go bereka e le mmaboitekanelo go fitlhelela a tlogela ka bogodi ka 2010. A re e rile a setse a bereka o ne a loga e le tsela ya go itlosa bodutu mme le fa go ntse jalo a re batho ba ne ba kgatlhegela tiro ya gagwe e bile bangwe ba kopa gore a ba rekisetse. Gape o ne a kgona go itshetsa ka go loga di jesi, mebese, dikobo, dikete le matsela a a kgabisang ditafole, mme seo se ne sa dira gore a kgone go tlhokomela ba lelwapa la gagwe. Mme Maseko a re o ne a bona mothale o mongwe wa go itshetsa ka go ya kwa go kgetlwang teng bojang kwa Nata mme a re o nna a ya ngwaga le ngwaga fa go bulelwa go kgetlwa ga bojang. O ne a tlhalosa gore o rekisa bojang mo Mandunyane a rekisetsa batho ba ba batlang go rulela. A re o dira le dipheelo. Gape o ne a tlhalosa gore o ne a bona e nngwe tsela ya go dira letseno ka go rekisa dikgeru tsa morula a bo a ntsha moko a rekisetsa segolo bogolo a rekisetsa ba ba tsayang madi a bogodi fa ile go tsaya a gagwe. Mme Maseko o tlhalositse gore ga a kgone go nna fela ka diatla a sa dire sepe. A re gape ke molemi-morui wa dihutsgane, mme o kgona leruo la gagwe ka go lema lablab gore e re fa go nna leuba le seka la bolawa ke tlala. O rotloetsa bagolo gore ba nne ba dira ka diatla ba seka ba nna fela ba re ba godile ka gore go dira jalo ke gone mo go bakang gore ba gatelelwe ke malwetse. A re go dira ka diatla go lapolosa tlhaloganyo e bile go dira gore motho seka a akanya thata. Mme Maseko o ne a rotloetsa banana go rata tiro ya diatla ka gore e ka nna tsela nngwe ya go itshetsa e bile e ba ise golo gongwe. O tlhalositse gore fa banana ba ka tsaya temo-thuo ka tlhoafalo ba ka seke ba tlhoke go bereka. A re ba tshwanetse go dira ka diatla, ba seka ba emela go batlelwa ditiro ke puso ka gore ba na le maatla a go tlhokomela dijalo le leruo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Pina ya setshaba e kopanya batho Banni ba Charleshill ba kopilwe go opela pina ya setshaba ka manontlhotlho ka gore e kopanya Batswana. Tona wa tsa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu o ntshitse kopo eo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng. Tona o boleletse banni fa go le botlhokwa gore Motswana mongwe le mongwe a itse go opela pina ya setshaba le go supa tlotlo le lerato. Fa a itebaganya le dikgang tse dingwe, tona o boleletse banni gore bukana ya teseletso mesepele ya bana jaanong e duelelwa P100 go tswa kwa go P260. A re, puso e fokoditse madi ao morago ga selelo sa Batswana. A re, pasa eo, e simolola mo ngwaneng yo eleng gone a tsholwang go ya go ema ka dingwaga di le lesome le borataro. Tona Batshu o boleletse banni gore fa ele gore gona le bana ba ba barekang kwa dipolasing tsa bone, ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro,ba tshwaneste go itse gore ke molato. A re, kgaolo ya Ghanzi ke yone e e di fetang tsotlhe mo lefatsheng leno ka go dirisa bana bokgoba ntswa go itsiwe gore puso ya re bana ba isiwe dikolong. Tona Batshu o boleletse banni bao gore go tsile go tswa letsholo le le tsileng go tsamaya mo dipolasing go bona gore a go nale bana ba go nna jalo, mme fa motho a ka fitlhelwa ka bone,o tsile go sekisiwa. Tona o boleletse Baherero ba batlang go boela kwa lefatsheng la Namibia gore, puso ya lefatshe leno e santse e kwaletse ya Namibia mme ga ba ise ba bone phetola. A re, molao wa lefatshe leno o letlelela Motswana mongwe le mongwe go fudugela kwa a batlang go ya go nna teng a sa kgorelediwe ke sepe , mme fela ba tshwanetse go dirisa ditsela tse di siameng. Tona o kopile banni go kwadisa matsalo le dintsho ka dipalo tse di kwa godimo ka gore di botlhokwa mo matshelong a Batswana le lefatshe ka kakaretso. A re, ditlhotlhomiso tsa lephata la gagwe di supa fa go santse gona le bana ba ba dingwga tse di lesome le borataro go ya kwa godimo ba ba senang bo-Omang, a re bana bao ba tshwanetse go tsaya Omang gore ba kgone go bona dithuso tse di ba lebaneng. Rre Batshu a re, puso e tsere tshwetso ya gore bana ba batlhoki le masiela ba seka ba duedisiwa sepe fa baya go tsaya Omang fa dingwaga tsa bone di setse di fetile lesome le borataro. O tsweletse a re, puso e tshwenyegile thata ka Batswana bangwe ba ba sa tseyeng Omang, mme a kopa banni go thusa Batswana ba ba senang Omang gore ba mmone ka ditsela tse di tshwanetseng. E rile modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Cleofus Chazeri a ntsha tekodiso ya motse wa bone, a ngongorega thata ka seemo sa baoki ba kokelwana ya bone gore ga bana boitsholo jo bo siameng. Rre Chazeri o boleletse tona gore e sale ba tlhopiwa go nna maloko a komiti eo, ba ne ba ipeela seelo sa gore mo dingwageng tse pedi, komiti ya bone e tsile go bereka jang. A re, komiti ya bone e ne ya dira ofisi ya VDC yabo ya baakanya ntlo ya borotho go nna hardware. A re, mathata a ba nang le one ke gore matlo a bone a mangwe a tlhokana le paakanyo mme mathata ke madi. O tsweletse a re, ba santse ba tsweletse ka go baakanya ntlo e nngwe gore ba e neele motlhoki. Fa ba ntsha mathata a bone, banni ba boleletse tona fa ba nale mathata a tsela ya Charleshill/ Nojane. Ba supile fa batho ba feditswe ke tsela eo le dikoloi tsa bone di senyegile. Banni ba ba kopile tona gore tsela eo, e tshelwe sekonotiri ka bofefo jo bo kgonagalang. E rile mogolwane wa baoki Mme Peggy Kapii araba selelo sa bone, a supa fa seemo se tokafetse kwa kokelwaneng go sa tshwane le pele. Tona o ne akgola komiti ya ditlhabololo tsa motse , a re batho fa ele baeteledipele ba motse ba tshwanetse go dira jaaka bone, segolo bogolo go abela motlhoki ntlo. A re, fa ba bona dilo di sa tsamaye sentle mo motseng wa bone, ba tshwanetse go di emela ka dinao gore di boele mo seemong se se siameng. Tona a re puso e tshwentswe ke boitshwaro jwa badirela-puso bangwe, mme o tla leka go ya go bona tona wa tsa botsogo ka boitshwaro jwa baoki ba motse wa bone . Bokhutlo politics 7 Banni Oodi ba lela ka ditlhabololo Banni ba Oodi mo Kgatleng Botlhaba ba ngongorega ka ditlhabololo tse di boutsana mo motseng wa bone. Ba re motse wa bone o gaufi le Gaborone mme e bile batho ka bontsi ba nna mo go one ka jalo o tshwanetswe ke go bona ditlhabololo tse di maleba go thusa batho ba motse oo. Banni ba buile se mo phuthegong ya mopalamente wa bone, Rre Isaac Mabiletsa ka Labobedi Ngwanaatsele a tlhola gatlhano. Ba re tsela e e yang kwa motsing oo, ga e a lekana go thusa bontsi jwa dikoloi tse di e dirisang. E rile modulasetilo wa komiti a ntsha pego ya gagwe, a supa fa go na le letlhoko la matlawna a borutelo kwa sekolong se se botlana sa Oodi. Rre Nkeke Mochime a re seemo se ga se a siamela bana ba sekolo ka jaana botlhoki jo bo ba kokonela ka dinako tsa diphefo le dirame. A re kgang e ga e ba jese diwelang ka jaana go sa tshwanela gore mo nakong ya gompieno bana ba bo ba tlhoka matlo a borutelo. Rre Modise Nkwe a re motse wa bone o saletse kwa morago mo ditlhabololong mme a re o kopa gore puso e dire sengwe go ba thusa. A re o na pelaelo ya gore o kare ditlhabololo di ya fela kwa metseng e metona mme bone ba saletse kwa morago ntswa ba tlhoka ditlhabololo le ditirelo tsa mofuta oo. E ne ya Rre Pepe Lekorwe a mo tlatsa a supa fa a le bete se molangwana ka jaana o kare ditlhabololo di dirwa go lebilwe gore mopalamente ke wa phathi efe. E rile Mopalamente Mabiletsa a araba dilelo tsa bone, a supa fa ba tshwanetse go tlhaloganya gore ditlhabololo tsa lefatshe la Botswana di dirwa ka lenaleo la ditlhabololo le le kayang gore sepe se ya kae mme e bile se ya go dirwa leng. Ka jalo, a re tsela ya Mmamashia-Mabalane e teng mo lenaneong la ditlhabololo la NDP 10 mme sebe sa phiri e nnile gore itsholole ya lefatshe e ne ya wela tlase go simolola ka ngwaga wa 2008 mme seo sa pateletsa puso go seegela fa thoko ditlhabololo dingwe. Rre Mabiletsa a re o tlhaloganaya sentle maikutlo a bone mme ba itse gore ga gona se se ka dirwang fa e le gore ga se a tsenngwa mo lenaneong. A re o tla tswelela a ntse a kopa a bo a gakolola puso go sekegela selelo sa bone tsebe mme o itse gore tsholofelo ga e tlhabise ditlhong. Le fa gontse jalo, o ne a supa fa tsela ya Tonota-Francistown e ne ya felela e dirwa ntswa di ne di tswaletswe mmogo a re seo ke sone se bakang mathata. O ne a tlatsa ka gore e ne ya re a botsa a bolelewa fa tsela ya Tonota e na le dipoleo mo itsholelong fa e tshwantshanngwa le ya Mmamashia. O ne a kopa banni go lala ka ntho madi a tshologa ka tsholofelo ya gore motlha mongwe dilelo tsa bone di tlaa arabiwa. BOKHUTLO society 9 Ba Letsholathebe ba a ipela Mongwe wa dikgosana tsa Sechele, Kgosi Gill Sechele, o akgoletse morafe wa Letsholathebe kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba go supa kgatlhego mo ngwaong le setso sa bone. Kgosi Sechele o buile jalo jaaka baagi ba Letsholathebe ba ne ba ipelela ngwao kgwedi eno e le lesome le boferabobedi. A re ngwao e botlhokwa thata mo matshelong a batho ka e supa mekgwa ya bone, e bile e ka ba kaela ka fa ba tshwanetseng go tshela ka teng mmogo le go supa ka fa ba tlholegileng ka teng. Kgosi Sechele a re dingwe tse di ka supang ngwao ya batho ke diteme, kapari, dijo, mmino le ditsamaiso tsa mediro ka go farologana. O tlhalositse le go re ngwao e ka thusa go dibela batho go inaakanya le bosula, ka jalo a gwetlha morafe wa Letsholathebe go tswelela ka maiteko a bone a go tshegetsa ngwao, ka go nna ba ipelela letsatsi la ngwao gore bagolo ba e fetisetse kwa bagolong go ya baneng, ka Motswana a re boswa jwa tau ke letlalo. Moeteledipele wa merero ya ngwao kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Kgosi Fredah Mosojane, o ne a tlhalosa go re puso e ne a tlhoma lephata le le lebaganeng le merero ya ngwao, ka e lemogile gore e setse e tswa batho ka phatlha tsa menwana. A re sengwe se se dirang gore dingwao tsa merafe di nyelele, ke go bo go se na gope fa go kwadilweng teng ka dingwao tsa merafe ka go farologana, a re ke ka moo puso e rotloetsang merafe go tsosolosa dingwao tsa bone le go kwala ditso ka ga tsone. Kgosi Mosojane o ne a kopa bagolo ba ba nang le kitso nngwe ka ngwao ya bone, go e rolela ba ba tlhophilweng go phutha kitso eo. O ne a bo a gwetlha baagi ba kgaolo ya Bokone Batlhaba gore ba se ka ba tlhabisiwa ditlhong ke ngwao ya bone mme ba inaakanye le mmino wa setso ga mmogo le ditiro tsa ngwao ya bone ka tshosologo, a bo a ba tlhagisa go re ba se ka ba itewa tsebe ke dingwao tsa merafe e sele. Kgosi Mosojane o ne tlhalosa le go re go tsena dikereke ga go a tshwanela go ema merafe pele mo go inaakanyeng le ngwao ya bone, a re motho le ngwao ke di ya thoteng di bapile, fela a ba gakolola gore ba diragatse ngwao ba setse morago molao wa lefatshe leno. Modulasetilo wa komiti ya ngwao kwa Letsholathebe, Rre Joseph Pelaelo, o tlhalositse fa maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go kopanya bagolo le banana ba motse gore ba abelane megopolo ka go tsosolosa ngwao, go e godisa le go e somarela. A re ba ne ba rulaganya letsatsi leo k aba lemogile go r e ngwao ya Sakalaka e a nyelela bogolo jang mo basheng. Letsatsi leo la ngwao le ne le tshwerwe ka moono o o reng, ‘ Tjilenje gobe li sa ka fanila pele’, se se rayang gore ngwao ke mpho e e sa tshwanelang go fela, mme o ne wa supiwa ka didirisiwa tsa setso ka go farologana, mmino wa setso o akaretsa hosanna, woso, ndazula le dipina tse dingwe tsa setso. Dijo tsa setso le tsone di ne di le teng mo letsatsing leo mme e le tse di tlwaelesegileng kwa kgaolong eo jaaka zenngwe, e bong bogobe jwa lebelebele, dobi, chimoni le tse dingwe. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Puso e emetse lehuma ka dinao Puso e itomile molomo wa tlase go nyeletsa lehuma.Se se boletswe ke mokhanselara wa kgaolwana ya Mahalapye Legare, Rre Fredrick Tjienda, ka letsatsi la go ipapatsa le le neng le rulaganyeditswe bagwebi ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma kwa Sefhare bosheng. Mokhanselara Tjienda, yo a leng mo komiting ya nyeletso lehuma kwa khanseleng ya kgaolo-potlana ya Mahalapye, a re maikaelelo a puso ke go bona Motswana mongwe le mongwe a akola itsholelo ya lefatshe leno.A re keletso ke gore mongwe le mongwe a nne le seriti mme a supa fa seo se ka diragala fa mongwe le mongwe a na le bonno jo bo siameng, dijo, le diaparo. Ka jalo a re maikaelelo a nyeletso lehuma ke gore ba itsholelo ya bone e leng kwa tlase ba fiwe dithuso tsa dikgwebo dipe fela tse ba eletsang go tokafatsa matshelo a bone ka tsone. Rre Tjienda o ne a akgola ba ba ileng ba tsibogela lenaneo la nyeletso lehuma e bile ba sa ntse ba tshwere ka natla mo dikgwebong tsa bone. O boletse gore se batho bao ba se dirang se tlaa thusa gape go fokotsa letlhoko la ditiro mo lefatsheng leno. A re bangwe ba dikgwebo tsa bone di tsweletseng sentle, ba thapile bangwe ka bone. Rre Tjienda o ne a kgothatsa bao ba ba semeletseng go tshwara ka one mokgwa oo. O tsweletse ka gore lehuma le ka fenngwa fela fa ntwa kgatlhanong le lehuma e ka tshwaraganelwa ke banaleseabe botlhe.E rile a tswa la gagwe, morulaganyi wa letsatsi leo go tswa kwa khanseleng ya kgaolo-potlana ya Mahalapye, Mme Kagiso Senthufhe a bolela fa maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go kopanya bagwebi ba ba thusitsweng ka mananeo a nyeletso lehuma le ba ba itshimololetseng dikgwebo mo kgaolong gore ba tle go ipapatsa. Mme Senthufhe bagwebi ba ne ba fiwa sebaka sa go tsaya malebela mo go ba bangwe le go abelana megopolo mo go tsa kgwebo.A re letsatsi le gape e ne e le tsela nngwe ya go rotloetsa ba ba saletseng kwa morago go iketleeletsa go tsaya mananeo. economy_business_and_finance 3 Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa kotsi Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone koloi ya sechaba ya Molepolole/Takatokwane, e e neng e pegile bapalami ba le lesome le botlhano e neng ya pitokologa mme batho ba le batlhano ba tlhokafala. E rile a lekodisa ba lekalana la dikgang, mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng Assistant Superintendent Moses Morolong, a supa fa mokgweetsi a ne a latlhegelwa ke taolo gaufi le motse wa Serinane, mme koloi ya pitikologa. O supile fa koloi e ne tswa kwa Molepolole e fetela Takatokwane ka nako ya masome a mararo go tlogela nako ya botlhano mo tshokologong, a supa fa ba ba tlhokafetseng e le mosimane wa dingwaga tse lesome, basadi ba babedi le banna ba babedi ba dingwaga tse di magareng ga masome a mabedi go ya go tse di masome a matlhano le bosupa. Ass Supt Morolong o supile gore bapalami ba ferabobedi go balelwa le mokgweetsi ba robaditswe kwa dipateleng tsa Scottish Livingstone kwa Molepolole le Princess Marina kwa Gaborone ka dikgobalo tse di masisi, fa ba bararo bone ba ne ba alafelwa dikgobalo tse dipotlana ba bo ba gololwa. O kopile bakgweetsi ba dikoloi tsa sechaba go nna kelotlhoko ka dinako tsotlhe le go kgweetsa ka lebelo le le letlelesegang, ka jaana ba rwala matshelo a batho ba ba mantsi. Mo go tse dingwe Ass supt Morolong o tlhalositse fa ba tshegeditse lekawana la dingwaga tse di fa gare ka setlhatshana se ba belaelwang e le motokwane. O supile fa lekawana leo le bereka tiro ya go beola meriri, mme ba fitlhetse le fitlhile setlhatshana seo mo teng ga polaseteke e ba latlhelang moriri mo go yone. O tlhalositse fa ba santse ba tla a tshwara ba ba itirang bo tsebe se utlwe mabapi le dikgang tsa motokwane. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Ba kopa ofisi ya poso Banni ba Gulubane kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba ikuetse mo pusong go tlhoma poso kwa motseng wa bone. Mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke Tna wa Lephata la Dipalamo le Ditlhaeletsanyo, Rre Nonofo Molefhi bosheng, banni ba ne ba supa fa seo se ka ba nolofaletsa botshelo segolo bogolo tebang le dikamogelo tsa dituelo tsa bagodi. Modualsetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Kgosidintsi Hunyepa, o ne a lekodisa tona Rre Molefhi fa bagodi ba motse oo ba bona dituelo tsa bone morago ga nako ka jaana go sena poso mo motseng wa bone. Mo ntlheng e nngwe, Rre Hunyepa o ne a kopa puso go tlhomamisa gore motse wa bone o atamelediwa ditshipi tsa mafaratlhatlha a tsa ditlhaeletsanyo ke dikompone tse di fang ditirelo tsa megala ya letheka. A re ditshipi tse ba ikaegileng ka tsone di kgakala, kwa motseng wa Sebina, selo se a boletseng fa se dira gore ba seka ba akola ditirelo tsa dikompone tseo ka botlalo. Monni mongwe wa motse oo, Rre Mothusi Nkhwa o ne a gatelela botlhokwa jwa poso mo matshelong a bone, a re ga go maleba gore lefatshe leno le itepatepanye le a itsholelo ya one e godileng thata le mororo lone le sa ntse le fatlhoga. Fa a araba dilelo tsa banni, tona Molefhi yo gape e leng mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Selebi Phikwe Botlhaba, o ne a tlhalosa fa go anamisa diposo le lefatshe leno lotlhe e le kgwetlho ka jaana di sa tlhole di dira dipoelo dipe. A re tiriso e e bokete ya maranyane a sesha a akaretsa a inthanetse le megala la letheka e amile thata ka fa diposo di neng di bereka ka teng mo dingwageng tsa maloba, a supa fa mo metseng e mengwe ngwaga le ngwaga go nna go nale mabokoso a poso a a seng mo tirisong ka bontsi jwa batho ba sa tlhole ba buisana ka makwalo. Le fa go ntse jalo, o ne a gakolola banni go akanya ka go aga diofisi di se kae tse ba ka amogelelang ditirelo dingwe tsa poso mo go tsone ba dirisa lenaneo la Ipelegeng. Mo go atamediweng ga mafaratlhatlha a ditlhaeletsanyo kwa motseng oo, Rre Molefhi o ne a gwetlha banni go lemoga fa dikompone tsa ditirelo tsa megala ya letheka di le mo kgwebong, ka jalo di anamisa ditirelo tsa tsone fela fa di dumela gore di tla bona dipoelo kwa mafelong a di atologelang kwa go one. Go sale foo, o ne a supa fa puso e le mo dipuisanyong le dikompone tse gore di dirise mafaratlhatlha a a leng teng a yone a a dirisiwang ke kompone ya beMobile, a re tsholofelo ke gore fa thulaganyo eo e ka atlega, mafelo a a ntseng a tlhaela ditirelo tsa dikompone tse le one a tla a simolola go ka di akola. Bokhutlo politics 7 ESP e tlaa tlhamela Batswana ditiro Mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele, a re lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP le diretswe go batla metlhala ya go nyeletsa lehuma le go direla Batswana ditiro. O boletse mo diphuthegong tse a neng a di buisa kwa metseng ya Dibete le Bonwapitse bosheng gore maikaelelo a go simolodisa lenaneo la go rudisa itsholelo ke tsela nngwe ya go rotloetsa Batswana go tsena mo dikgwebong tse di ka bulelang ba bangwe diphatlha tsa mebereko le go tswakanya itsholelo. A re fa Batswana ba ka dirisa lenaneo la ESP go simolola dikgwebo jaaka tsa dikoporase le bojanala ba ka kgona go imolola lefatshe leno mo go diriseng madi a mantsi go reka dijo le dithoto kwa mafatsheng a mangwe ka jaana le tlaa bo le kgona go phadisana le mafatshe a mangwe mo mmarakeng. Rre Makgalemele o boletse fa mmuso o ikaeletse go dirisa lenaneo la ESP go tlhabolola seemo sa ditsela, go tokafatsa seemo sa thuto, go lwantsha letlhoko la ditiro le go atolosa dikokelwana gore di kgone go nna le matlwana a pelegiso. O tsweletse ka go kgothatsa Batswana go dirisa lenaneo la nyeletso lehuma le la ISPAAD gore ba kgone go dira dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone le go ntsha dijo tse di lekaneng gore lefatshe leno le emise go ikaega ka go reka dijo kwa mafatsheng a mangwe. E rile banni ba Bonwapitse ba tswa la bone ba kopa mmuso go potlakela go agela baithuti ba sekole sa Kalamare Junior Secondary School matlo a boroko gore bana ba bone ba emise go latela dithuto kwa Tswapong Borwa e bile ba kopa gore tsela e e tshwaraganyang motse wa bone le metse ya Mmutlane le Shoshong e dirwe jaaka ba solofeditswe. Kwa Dibete gone ba itumeletse ditlhabololo tse di tlaa dirwang ka lenaneo la ESP jaaka go atolosiwa ga kokelwana, go dirwa ga tsela e e tshwaraganyang metse ya Dibete, Mookane, Mmaphashalala le Machaneng e ba tlhalositseng fa e tlaa imolola tsela ya Gaborone/Francistown morwalo. Mo diphuthegong tseo banni ba dibete le Bonwapitse ba rile le ntswa puso e na le mananeo a a ka tokafatsang matshelo a bone, sebe sa phiri ba ngongoregisiwa ke tiego ya go abela batho ditsha tsa masimo le dikgwebo ke makgotlana a kabo ditsha le tiego ya go abela batho dihutshane ka lenaneo la nyeletso lehuma. society 9 Kgokgontsho ga e jese diwelang Mothusa kgosi wa kgotla ya Botshabelo kwa Selebi Phikwe, Kgosi John Seabe, a re ba santse ba tshwere phage ka mangana ka dikgang tsa kgokgontsho tse di golelang pele mo kgaolong e ba e okametseng. O ne a bua jalo kwa thuto se ka dipuisanong e e neng e rulagantswe ke ba Men for Health and Gender Justice Organisation bosheng. Kgosi Seabe o tlhalositse gore setshaba se santse se tlhoka thuto e e tseneletseng ka kgokgontsho ka go lebega bangwe ba itse go kgokgontsha e le ga go itaa motho mme ba sa itse gore e metlhalementsi. Kgosi Seabe a re kgaolo ya Botshabelo ke ya selegae kwa baagi bateng ba sa berekeng bogolo jang bomme jaanong se se raya gore ba beile botshelo ja bone mo go borre ba ba tshelang nabo e bile banna mmogo mo mantling ba sa nyalana.A re se se dira gore le fa mme a sa tsewe sentle mo loratong a bo a itshoka fela ka a beile gore ga a tswa mo go rre yoo gagona yo o ka mo tlamelang mo letlhokong la gagwe. Kgosio ne a tswelela a tlhalosa gore e le ba bogosi ba gakolola gangwe le gape gore go nna mmogo batho ba sa nyalana ga go a siama mme go lebega batho ba go ikgatholositse. Kgosi o ne a leboga ba makgotla a a tlhamilweng go lwantsha kgokgontsho ka go nna ba ba tlhatlhelela ka go ka ba ruta e le dikgosi ba bo ba fetisetsa molaetsa kwa setshabeng,mme o ne a wetsa ka go rotloetsa mekgatlho go ikopanya le go bua ka lentswe le lelengwe ka se se ka thusa le go fetola ka fa borre baakanyang ka teng. Mme Patricia Masasa,mookamedi wa lephata la Gender Affairs mo SelebiPhikwe a re, ba kopana le dikgetsi tsa kgokgontsho tse di amang bogolo jang bomme mme ba dira molato e le borre mme bo mme bao ba ineetse mo di emong tseo. Mme Masasa o ne a tswelela are, ga se gantsi ba kopana le dikgetsi mo go tsone bo rre ba kgokgontshiwang, mme mabaka ba belaela gore bo rre ga batswele mo pontsheng e le go thajwa ke ditlhong. Mme Masasa o ne a wetsa ka gore e le ba Gender Affairs ba gakolola setshaba go itseela tshwetso ya go tsaa boikarabelo ja gore gaba kgokgontshiwe ka ba le mo loetong la go ruta setshaba ka kgang tsa kgokgontsho le ditla morago tsa yone ba kopane le makalana a ikemetseng kanosi. Rre Thatayotlhe Molefe, mookamedi wa mokgatlho wa Men for Health a re, e le mokgatlho ba itebagantse thata le tekatekano ya bong le botsogo ja borre le bomme. Rre Molefe are e le ba mokgatlho ba ikopantse le baeteledi pele ba morafe ebong dikgosi, mapodise, baruti le bo mmaboipelego go ruta setshaba ka tsa kgokgontsho le nngwe ya ditlamorago tsa yone e le go tsenwa ke mogarewa HIV. O ne a re batlhophile Selebi Phikwe ka e le lengwe la mafelo a amilweng phetelela ke mogare. BOKHUTLO health 6 Ginger o ithusa ka dikgeru Mo kgotleng ya Maaloso kwa Maunatlala go Mme Mosetsana Ginger wa dingwaga tse di masome matlhano le borataro. Mme Ginger ke mme yo o sa batleng go nna ka mabogo ka a inaakantse le go thula dithapo tsa morula go dira dikgeru a di rekisa. O boletse mo potsolotsong fa a na le bana ba roba bobedi, mme go lemogeng fa itsholelo ya gagwe e le kwa tlase a inaakanya le go sela dithapo tsa morula a di thula e le nngwe tsela ya go tsenya letseno. O supile fa a nna thata kwa masimo a Molapong kwa ditlhare tsa morula di leng dintsi mme e a re fa a fetsa le tsa masimo fa go tla dipaka tsa morula a itebaganye le go sela morula mme e re dithapo tsa teng di sena go omelela a thule dikgeru. Fela jaaka mmereko mongwe le mongwe Mme Ginger o tlhalositse fa dikgeru le tsone e le tiro e e tlhokang bopelotelele gore di kgone di kokotlesegele gore motho a tle a bone dipoelo. A re o na le dingwaga di le pedi a ntse a dira tiro e mme fela mowa wa go itsapa ga o ise o tle mo go ene ka a setse a bone maduo a teng. O ne a bua jalo a supa mogala wa letheka o a reng o o rekile ka madi a dikgeru. O tlhalositse fa a simolola ka go apaya dithapo tsa morula gore e re a di thula di tswe di ipotokile di le dintle go kgatlha leitho la moreki. Mme morago o di tsenya mo mephuthelwaneng ya dikhakha a di rekise dipula di le lesome sekhakha Mme Ginger o ne a paka fa monate wa dikgeru o rokotsa mathe ka a re di kgona go jewa fela di ntse jalo, bangwe ba di tsenya mo setampeng fa bangwe ba di tsenya mo lehateng. O gakolotse fa di tshwanelwa go tsenngwa fa setampa se setse se bodule go seng jalo di a nyera ka di le mafura mme go sale o kare ga di ise di tsenngwe. O boletse fa a di rekisetsa fela mo lwapeng tse dingwe a eta a di baya fa go ba ba rekisetsang kwa tseleng gore ba mo rekisetse. Le mororo dikgeru di na le dikgwetho ka a re o kgona go ikgolafatsa ka lentswe a ntse a thula, Mme Ginger o ikanne gore tiro e ga se e a ka e tlogelang. O boletse fa kgwebo ka dikgeru e ise e nne ntsi mo kgaolong, selo se a reng se a mmerekela e bile o ka seke a ipone tsapa go tswelela a jesa ba lelwapa la gagwe ka dikgeru. economy_business_and_finance 3 Khansele e tlaa dira ditiro ka Ipelegeng Molomaganya ditiro tsa Ipelegeng tsa kaolo-potlana ya Mahalapye Rre Kadimo Sephetsolo a re khansele eo e tlaa dira ditiro tsa ditlhabololo di le 171 mo ngwageng wa madi wa 2015/16 E rile fa a lekodisa phuthego ya khansele ya kgaolo-potlana ya Mahalapye bosheng, a re mo ditirong tse di 171 tseo, di le 37 ke tsa dikago fa di le 28 e le tsa go baakanya matlo le tse dingwe jalo jalo. A re ditiro di le 22 ke tsa kago ya diterata tse di kgaoganyang msimo le mafudiso le tse dingwe gape. O tlhalositse gore ditiro tseo tsotlhe di tlaa simolola ka fa go solofetsweng ka teng. Kwa ntleng ga go aga tanka ya metsi kwa Seleka le ditiro tse dingwe gape tse di amanang le paakanyo ya ditiro tse di ntseng di le teng. A re go wediwa ga maobo a dikgotla kwa Moshopha le Bonwapitse go gaufi fa go agiwa ga lebotana kwa Chadibe le gone go le gaufi le go fela. Rre Sephetsolo a re bontsi jwa ditiro tse disha le go baakanngwa ga tse di teng ga go ise go simologe le gore badiri ba Ipelegeng ba santse ba epa ditlhare. A re ofisi e e rulaganyetsang ditiro tseo e tsweletse ka go rulaganaya go bona gore go tlaa tlhokega didirisiwa tsa selekanyo se se kae mo ditirong tseo tsotlhe a tlatsa ka gore go setse go anamisitswe ikopelo ditiro tsa metlhaba le ditena. Rre Sephetsolo a re madi a a tlaa dirisiwang mo Ipelelgeng a ngwaga wa 2014/15 a selekanyo sa P29 million a ne a dirisiwa fa a a neng a setse a a ka nnang 2 million pula go solofetswe gore a dirisiwe mo ditirong tse di neng di sa fela mo dingwageng tse di fetileng. O tsweletse ka go tlhalsosa gore ka ngwaga wa madi wa 2014/15 ditiro tsa ditlhabololo di ne tsa rebolwa go ka dirwa fa di le 30 tse di kabong di feditswe ka ngwaga wa madi wa 2013/14 di ne tse fetisediwa mo ngwageng o o lateleng wa madi. O boletse gore khansele ya kgaolo-potlana ya Mahalapye e ne ya dira ditiro di le 332 mme di le 276 tsa tsone di ne di feditswe. A re di le 25 di ne di ise di wele sentle. A re ditiro tse 18 di ne tsa pala go simololwa. Rre Sephetsolo a re mo ditirong tse 34 tsa dikago di le 24 di ne tsa wediwa fa di le thataro di ne di ise di wele sentle. O tlhalositse gore mo ditirong tsa paakanyo ditiro tse di teng di le 76, di le 66 di ne di feditswe mme ke di le pedi fela tse di neng tsa seka tsa simologa. Mo ditirong di le 20 tsa go aga terata e e kgaoganyang masimo le mafudiso, di le nne di ne tsa fediwa fa tse dingwe tse nne di ise di wele sentle. Erile fa a rola lenaneo la Ipelegeng le le rulagantsweng sesha kwa khaseleng, modiri wa tsa itsholelo wa khansele ya kgaolo-potlana ya Mahalapye Rre Sengwato Kesianye a re Ipelegeng e solegetse molemo batho ba le bantsi ba mo nakong eno ba leng 3314, go supa koketsego ya batho ba le 165. Rre Kesianye a re koketsego eo e tlhoka P1million yo a tshwanetseng go abiwa mo dilekanyetsong tse di beilweng. O tlhalositse gore kgaolo-potlana e ne ya duelela ditiro tse disha tsa Ipelegeng ka go fokotsa madi a a dirisiwang go reka didirisiwa. O boletse gape gore go fitlha ka Moranang ngwaga ono madi a dituelo tsa Ipelelgeng a ne a oketsega. A re koketsego eo go solofelwa gore e tlaa ama madi a a tshwanetseng go dirisiwa go reka didirisiwa tsa lenaneo leo ka jaana kgaolo e sa bone go tlhokafala go kopa madi a mangwe gape go a dirisa mo lenaneong. Rre Kesianye o tlhalositse gore ditshekatsheko tsotlhe tsa madi a ditlhabololo di ne di rulagantswe ke lephata la dikgaolo le tlhabololo ya magae go okeletsa kgaolo-potlana ya Mahalapye madi gore e kgone go thapa batho ba bangwe gape ba le 165 mo lenaneong la Ipelegeng. economy_business_and_finance 3 Dikole tsa ithutelo tiro ya diatla di botlhokwa ka di lootsa dikitso mo ditirong Mopalamente wa kgaolo ya Ngami gape e le mothusa tona wa ofisi ya ga Tautona le bodirela puso, Rre Thato Kwerepe o lebogile puso le lephata la tsa pereko le go tlhabolola dikitso go bo le arabile selelo sa batho ba Tsau sa go direlwa sekole sa ithutelo tiro ya diatla. Rre Kwerepe a re sekole seo se ya go thusa banana ba ba nang le dikitso tse di farologanyeng ka ditlankana. O supile fa dikole tsa mofuta o, di thusa go tlhabolola ba ba nang le ditalente mme ba tlhaela ka ditlankana, a tlatsa ka go re sekole seo se rurifatsa talente e batho ba nang le yone. Rre Kwerepe o kgothaditse banana ba Tsau le botlhe ba ba tlaa tsenang kwa sekoleng seo go se tsena ka tlhoafalo e bile ba seka ba se nyenyafatsa, ka go akanya fa se le mo sekaleng se se kwa tlase ga tsa vocational training centres. Rre Kwerepe o tlhalositse fa sekole seo se ruta dithuto tse di nang le boleng ka puso e rurifaditse seo. O ne a rotloetsa banana go se dirisa go lootsa dikitso tse ba nang le tsone mo ditirong tse di tshwana le go suga matlalo, go loga meriri, go betla le tse dingwe tse di rutwang. Kgosi Ebineng Potsoeng wa Tsau, o lebogile go menagane go bo kopo ya bone e arabilwe morago ga lebaka le fa ba ne ba tlhaloseditswe fa go na le dikole tse dingwe tse dikgolwane tsa diatla mo kgaolong ya Ngami ka bophara. Kgosi Potsoeng a re sekole seo se a go thusa banana ba Tsau le Botswana jotlhe ka bophara. O kgothaditse morafe go se tlhokomela ba se ka ba utswa didirisiwa ka seo e tlaa bo e le go busetsa maiteko a puso kwa morago. Kgosi Potsoeng o gakolotse baithuti go isa dingongorego tse ba ka nnang natso kwa bogoging jwa sekole ba wetse dibete e seng go senya dithoto tsa sekole jaaka go tlwaelesegile kwa dikoleng tse dingwe. Bokhutlo politics 7 Se kopanyeng ARV le nnotagi Mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng Botlhaba, Rre Liakat Kablay, a re Batswana ba tshwanetse go gakologelwa fa melemo e e ritibatsang mogare wa HIV, e diretswe go ritibatsa mogare e seng go o fedisa gotlhelele. Ka jalo a re go botlhokwa gore ba ikgaphe mo go tsenweng ke mogare. Rre Kablay a re go sa ntse go na le bangwe ba ba sa tseyeng boikarabelo jwa go nwa dipilisi tsa ARV ka ba re ga di duelelwe. Mopalamente o ntshitse kgakololo eo kwa motseng wa Ngware kwa kgaolong ya gagwe ya botlhophi fa a ne a etetse banni ba motse oo go ba lekola bosheng. O kopile Batswana go itlhokomela ka go tsaya boikarabelo ka botsogo jwa bone gore ka ngwaga wa 2016 lefatshe leno le bo le na le tshaba e e itekanetseng. A re batho ba tshwanetse go tlhaloganya fa go le mo maruding a bone go tsaya maikarabelo ka go nna le botsogo jo bo itekanetseng. O ba kopile go ikgapha mo go pataganyeng dipilisi tsa ARV le nnotagi, le go goga motsoko, a tlhalosa fa di ka baka malwetse a mangwe a a sa alafesegeng. O boletse fa bojalwa le jone bo na le seabe se segolo mo go godiseng dipalo tsa batho ba ba tsenwang ke mogare wa HIV. Baagi ba kopile gore ba okelediwe baoki kwa motseng oo le go godisiwa ga kokelwana ya bone gore e nne e e belegisang. Ba kopile le gore tsela e e tshwaraganyang motse wa bone le wa Letlhakeng e tokafadiwe. Mopalamente Kablay o ne a kopa banni ba Ngware go nna dipeloditelele, a ba solofetsa gore e tlaa tshelwa sekonetere fa madi a bonala. health 6 Kgwebo ya ditlhare le maungo e a busetsa -Tshwaedi Setshaba se rotloediwa go inaakanya le kgwebo ya ditlhare tsa maungo, moriti le mekgabisa ka di na le dipoelo tse di nametsang. Mo potsolotsong bosheng, Mme Bophelo Tshwaedi wa Ramotswa o tlhalositse fa a rata go lekeletsa ke ka moo a feletseng a bona botlhokwa jwa kgwebo e a leng mo go yone. A re ga a ya sekoleng sa temo ya ditlhare mme se a se dirang ke mpho e a e neetsweng ke Modimo. Mme Tshwaedi o inaakantse le go lema a bo a rekisa ditlhare tsa maungo tse di sa tlholegeng mo gae di akaretsa perekise, guava, garanata, mango, avocado, apole, pawpaw le strawberry le tse di kgabisang eleng ficas benjamin le acaranda. Ditlhare tsa moriti tsone di akaretsa tsa mo gae le tse di tswang kwa mafatsheng a sele jaaka mophethe, modutu, mosikiri le mophane. O boletse fa a simolotse temo ya ditlhare ka go ithutela mo ditlhareng tsa maungo tsa mo gae. O tsweletse a kaya fa a tlhola a bona ditlhare tsa maungo di mela mme a simolola go lekeletsa go di jwala mo diemong tse di farologaneng ka ditsela tse di farologaneng go bona gore di dira sentle fa kae. A re seo se mo file sebaka sa go ithuta ka ditlhare mme phelelong a simolola go lema a tlhoafetse gore a kgone go rekisa. Mme Tshwaedi a re o boelwa thata mo thekong ya maungo le ditlhare tsa moriti mme o rotloetsa bomme ba ba sa direng sepe go simolola go lema maungo le ditlhare gore ba kgone go itshetsa ka tsone jaaka a dira. A re o ne a sa solofela fa maungo a a lemang a ka mela mo gae mme go diragetse ka jalo go supa fa mmu wa Botswana o siametse temo ya sengwe le sengwe le fa ntswa gone go laola gore motho o mo tikologong efe. A re kgwebo ya gagwe e tsamaya sentle ka jaana theko ele kwa godimo fela thata, a tlatsa ka gore o batla go tlogela tiro e a e dirang mo nakong eno gore a kgone go itebaganya le kgwebo ya gagwe fela ka jaana e batla mashetla, bonatla gammogo le tlhokomelo e e tseneletseng. A re maungo le ditlhare tsa gagwe di rekiwa ke bagolo le banana ke ka moo a bonang dipoelo tse di nametsang. Mme Tshwaedi o boletse gore le fa ntswa a simolotse kgwebo ya gagwe ka 2003 mme gone e ile ya ema ka dinao ka 2006 fa a sena go ikgolaganya le ba lephata la dikgwa le matlotlo a tlholego go mo ruta ka maina a ditlhare le gore di lengwa jang le gone mo pakeng efe le methale ya go somarela peo ya tsone gore e kgone go dirisiwa gape. O tlhalositse fa a dirisa peo thata go jwala maungo a gagwe mme ere morago a sena go mela a bo a kgaola kala ya setlhare a e tlhomele mo mmung gore e dire setlhare se sengwe. A re tsela eo e siame thata ka ele yone e e mo okeletsang ditlhare tsa maungo gore a kgone go bona dipoelo tse di botoka le gone gore bareki ba gagwe ba kgone go bona ditlhatshana le maungo a ba a batlang nako le nako. O tlhalositse gore tsela ya go dirisa kala go oketsa ditlhare e botlhokwa fela thata segolo bogolo fa motho a itse gore go dirwa jang. O tsweletse a rotloetsa setshaba go ithuta go jwala setlhare se le sengwe mo diemong tse di farologaneng gore ba kgone go bona maduo ka gore go itlwaetsa go lema ka paka e le nngwe kana mo lefelong le le lengwe go ka nna ga seka ga bereka. O tsweletse a kaya fa setlhare sa strawberry se mmusetsa thata ka jaana di se sa tshabelelwe ke diji jaaka maungo a mangwe. A re setlhare seo gape se dira sentle mo seemong sa loapi sengwe le sengwe mo gae. Mme Tshwaedi a re o godisa kgwebo ya gagwe ka go ipapatsa mo dikomponeng ka go farologana le gone go bapaletsa batho ka bongwe ka bongwe gammogo le mo ditshupong tsa temo thuo. O supile gore kgwebo ya gagwe e tsenya madi ka go kgabisa mo malwapeng a batho le go ba lemela ditlhare. A re bareki ga ba ngongoregele ditlhwatlhwa tsa ditlhare tsa gagwe ka jaana ba bona gore o dira tiro e ntle fela thata. A re le ntswa go lema maungo go busetsa, go turu ka jaana go tlhoka tiriso ya metsi a mantsi mme le fa go ntse jalo o rotloetsa batho go inaakanya le go lema ditlhare tsa meriti ka tsone di sa tlhoke metsi le tlhokomelo e ntsi e bile gape di itse tikologo ya tsone ka di kgona go itshetlela mo tikologong bonolo. Mme Tshwaedi a re o kgoreletswa ke go tlhoka lefelo le a ka lemelang mo go lone ka mo nakong eno a direla mo lwapeng. A re o batla go godisa kgwebo ya gagwe mme o ka kgona go dira seo fela fa a ka nna le lefelo le le bulegileng le na le metsi. Mme Tshwaedi a re kgwebo e a leng mo yone e tlosa bodutu e bile gape ke tsela ya go itshidila mmele ka jalo ga a tshabelelwe ke makoa a go fuduega maikutlo. economy_business_and_finance 3 Molaodi o kgala ditlhogo tsa maphata Mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Mahalapye, Mme Malebogo Ramatu, o kgaletse ditlhogo tsa maphata a puso le khansele go tlhoka go tsena diphuthego tsa komiti ya ipabalelo tseleng ntswa lephata lengwe le lengwe le tshwanetse go nna leloko la komiti eo. O buile se mo phuthegong ya komiti ya ipalelelo tseleng kwa Mahalapye ka Labobedi. A re go maswabi go bona bagolwane ba maphata a puso le khansele ba palelwa ke go tsena diphuthego tsa ipabalelo tseleng e bile ba retelelwa ke go romela baemedi kwa diphuthegong tseo le mororo ele bone ba neetsweng boikarabelo jwa go tsaya ditshwetso tse di ka tswang di ama maphata a bone. Mme Ramatu o boleletse batsena phuthegong eo gore ditiro dingwe tsa komiti eo di paledisiwa go dirwa ka ntlha ya go tlhoka go tsena diphuthego ga maloko gammogo le go tsena thari mo diphuthegong, mme a bolela fa maikaelelo a gagwe ele go tseela botlhe ba ba sa tseneng diphuthego dikgato tse di maleba ka jaana ofisi ya gagwe ele yone e neetsweng dithata le boikarabelo jwa go okamela maphata a puso mo kgaolong eo. A re ka ntlha ya dikotsi tse di gapang matshelo a batho kgwedi le kgwedi mo lefatsheng leno, puso e ne ya simolodisa dikomiti tsa ipabalelo tseleng go ruta setshaba ka ditsela tse di ka dirisiwang go hema dikotsi tsa tsela di tshwana le go emisa go fudusetsa loruo mo ditseleng, go emisa go kgweetsa batho ba itontetse dino le go kgweetsa batho ba sena ditlankana. Mme Ramatu o rile go le gantsi dikotsi tsa tsela di bakiwa ke go tlhoka go obamela matshwao a tsela ga bakgweetsi, go kgweetsa ka lobelo le le feteletseng, go kgweetsa batho ba sena ditlankana, go dirisa dikoloi tse di sa itekanelang, go fudisetsa loruo mo ditseleng tse di ageletsweng le go iphitisa dino. Mme Ramatu yo e bileng ele modulasetilo wa komiti ya ipabalelo tseleng kwa kgaolong potlana ya Mahalapye, o ne a tlanyatlanyetsa batsena phuthego eo fa komiti ya gagwe e tla ya go sekaseka seemo sa ditsela tsa motse wa Mahalaopye le Shoshong kgwedi eno e tlhola malatsi ale matlhano, go bona gore a di mo seemong se se siametseng go dirisiwa ke dipalamo. O tsweletse ka go bolela fa go ngomola pelo go bona Batswana, segolo jang banana ba eleng bone babusi ba kamoso, ba tlhokafala ka dipalo tse di kwa godimo mo dikotsing tsa tsela ntswa ba dikomiti tsa ipabalelo tseleng, ba sepodisi sa Botswana gammogo le ba lekgotla la Motor Vehicle Accident Fund ba tsweletse ka go ruta setshaba ka ipabalelo tseleng. Bokhutlo politics 7 Go ipaya ditsha go dia ditlhabololo Mokwaledi wa lekgotlana la Kabo Ditsha la Mogoditshane Rre Anthony Bashingi a re maiteko a go fefosa kabo ya ditsha kwa kgaolong ya Mogodisthane, a kgorelediwa ke seemo sa kgolo yabo maipaafela mo go tsweletseng ka go gola kwa kgaolong eo. Erile a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng wa Mogodithane bosheng, rre Bashingi a supa fa mo nakong eno ba engwe pele ke dikgang di feta makgolo a mane (400) tse tiego ya tharabololo ya tsone go ememeng pele maiteko otlhe a go ka aba lefatshe. A re kgaolo ya Mogoditshane e tsweletse ka go hupediwa ke dikgang tsa bo maipaafela ba ba sa amogeleng dikgakololo ka bodiphatsa jwa ipaya lefatshe kgatlhanong le thulaganyo ya peo ditsha ka fa molaong. A re ba tshwengwa ke dikgalo tsa morafe go re ba rotloetsa go ipewa ga lefatshe ka go diegela go aba ditsha, mme a tlhalosa fa tiego e rotloetswa ke bontsi jwa dikgang tse di emeng lekgotla pele ka jaana di tlhoka go seka-sekwa mo go tseneletseng pele di ka tseelwa ditshwetso. A re kgaolo eo e faraferwe ke madubadube a dikgang tse di sa rarabologeng ka jaana bontsi jwa batho ba ba amegang ba tsweletse ka go ikgatholosa go dirisanya le ofisi ya gagwe. Rre Bashingi o tlhalositse fa dingwe tsa dikgaolo tse di amegileng segolobogolo e le tsa Nkoyaphiri, Goo-Selaledi, Tsolamosese Ledumadumane, Gabane magareng gatse dingwe. O tlhagisitse baba amegang go itse fa go se ka fa ba ka tsietsang tsamaiso ka teng, ka go thalosa fa thulaganyo e tsepameng e dirilwe go kgaoganya tiriso ya lefatshe (layout) go itse gore tebego ya kgaolo ene entse jang nako ya fa go dirwa moalo ka 2009. A re ere ntswa go na le taelo ya ga tautona ya go abela bana ba masimo kwa dikgaolong tsa Kgaphamadi, Gosethebe, Kodibana le Tlape, dikgang tsa go ipelaetsa ka masimo ga bangwe go kgoreletsa go fefoga ga thulaganyo eo. Rre Bashingi o tsweletse a tlhagisa ba ba inaakantseng le go reka lefatshe la morafe mo bathong bangwe gore ba itse fa go dira jalo ele go latlha madi ka go sena ka fa thulagango eo eka tsepamisiwang ka teng mme ele tlolo molao. Mokwaledi wa kaboditsha o tsweletse a lekodisa phuthego ka molao o mosha o mogo one ba ba ikabetseng lefatshe ba yang go le amogwa ka tiriso ya molao o mosha wa go gapa dithoto di akaretsa dikago tse di seng ka fa molaong. Mopalamenete wa kgaolo ya Mogoditshane Rre Sedirwa Kgoroba, a re ere ntswa a rotloetsa ba kabo ditsha go tsibogela tharabololo ya dikgang tsa lefatshe kwa kgaolong eo gore batho ba ba letileng ka lobaka go bewa, ga a kitla a ema nokeng ope yo o ithophetseng go ipaya lefatshe kwa kgaolong eo. Rre Kgoroba are e tlaabo ele go ikgatholosa tsamaiso jaaka moteledipele wa morafe go e ma nokeng palo potlana ya bao ba ipayang lefatshe kgathanong le bontsi jo bo letile ka boineelo go diragadiwa ga tsamaiso ya peo ya ditsha.BOPA economy_business_and_finance 3 Ngwao ke ntlha e kgolo mo thutong ya bana Mothusa motshwarelela bogosi jwa Barolong, Kgosi Mompati Marumoloa, a re ngwao ke thuto ya konokono mo baneng. O buile se kwa tshimolodisong ya letsatsi la ngwao le le neng le rulagantswe ke sekole sa Barolong Vocational Training Centre (BVTC) bosheng. A re modi wa thuto o simolola kwa lwapeng ka ke bontlha bongwe jwa ngwao go ruta bana maitseo. Kgosi Marumoloa a re ga a dumele fa go na le ngwana yo o padileng, a tlatsa ka gore batsadi ba tshwanetse go nna fatshe le ngwana a sa le monnye go mo ruta boitshwaro jo bo amogelesegang. A re dithuto tsa sekole le tsone di ka fetoga fela fa batsadi ba ruta bana botho jo bo siameng kwa lwapeng. O tlhalositse fa botsogo le jone bo agilwe ke ngwao a re fa a santse a le mmotlana, ba ne ba dira learo la borre e le ngwao. “Pele go nna thata re ne re rola kepese ka ngwao re ne re dirisa boloko go bo go fedile, le fa e le go lwala,” a tlhalosa. A re Barolong ba ne ba itsiwe ka ngwao ya go lema, mme ba santse ba tshegeditse mokgwa oo. A re yaare fa o tlaa lemoga fa motho e le Morolong, o utlwe ka teme ya Setswana e tlhakantse le seburu. Kgosi o galaleditse BVTC go bo ba bone go le maleba go nna le beke ya go ruta baithuti ngwao. A re go bo ba ne laleditse bagolo jaaka bomme ba ngwao le go rera le dikgosi go tsisitse maduo a mantle. Mothusa mogoko wa sekole, Mme Tebogo Nkwadi o tlhalositse fa ba nnile le beke ya go ruta bana ba sekole ngwao. A re ke lantlha ba keteka moletlo wa go ipelela ngwao mme o solofela fa ba tlaa tsweledisa. O galaleditse bomme ba ngwao ba eteletsweng pele ke mohumagadi wa motshwarelela bogosi jwa Barolong, Mme Dipuo Motshegare tiro e ntle ya go ruta bana ngwao le kemo nokeng ya bogogi. A re seo ke thuto e e agileng mo baithuting. Bokhutlo arts_culture_entertainment_and_media 0 Mapodisi a Palapye a tshegeditse banna  Mapodisi a Palapye a tshegeditse banna ba le babedi morago ga go ba tshwara ka se go belaesegang e le dinaka tsa ditlou. Mo potsolotsong le Rre Ramaja a re ba ne ba tabogela kwa ba neng ba laetswe teng, mme ba kgona go tshwara borre ba babedi ba dingwaga tse di masome mabedi le borataro le wa dingwaga tse di masome mabedi le borobabobedi ba ba tlholegang kwa Chadibe le Senete. Ramapodisi a re ba ne ba tshwara banna bao le dithoto tsa bone mme ba fitlhela dinaka tse pedi. “Ga re ise re rurifatse gore ka boammaaruri dinaka ke tsa ditlou kgotsa jang, ka jalo ga re ise re ba lebise molato, mme re ba tshegeditse go re thusa ka ditlhotlhomiso,” a tlhalosa. A re ba santse ba rometse dinaka go ya go tlhatlhojwa go netefatsa gore a ke tsa ditlou, mme fa go ka fitlhelwa e le tsa ditlou, babelaelwa ba tlaa lebisiwa molato. Rre Ramaja o supile fa kgang e, e le ya ntlha go kwadisiwa mo kgaolong ya gagwe mo lebakeng le leleele. O kopa Batswana go ikgapha mo go direng sepe se se ka ba tsenyang mo mathateng le molao, a re ba santse ba tshwenngwa ke gore dikgang tsa bone ka bontsi di ama banana ba go ka bong go twe ke bone babusi ba ka moso. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Borre ba boutsana kwa kokelong E re jaaka ba botsogo ba tsweletse ka go rotloetsa borre go ikanya kokelwana fa ba ikutlwa bokoa, borre bangwe bone ba santse ba goga dinao. Fa a bua kwa thuto seka dipuisanong ya mokgatlho wa MenCare o o tlhamilweng ke ba Stepping Stones International kwa Letlhakeng ka mafelo a beke, Mookamedi wa kokelwana ya Letlhakeng ebile e le mogokaganyi wa borre le bomme, Mme Ramosesane o kaile fa borre ba Letlhakeng ba santse ba le boutsana kwa kokelong. A re borre ga ba bonale go tla go itekodisa malwetse a bone nako e sale teng. O boletse fa borre ba santse ba le boutsana mo go itlhatlhobeleng mogare wa HIV/AIDS le ntswa go dumalanwe go lwantshiwa ga mogare oo. Are gantsi borre ba dumela gore ba itlhatlhobetse mogare fa ba utlwa bakapelo ba bone bare ba itlhatlhobile. Mme Gaserekwe Ramosesane o tsweletse a kaya fa gape borre ba tlhalosa fa ba fetswa pelo ke mela e e nnang e le meleeele kwa dikokelong mme ba boele lapeng. O kaile fa gape go se thona gore borre ba tsamae le bomme ba bone fa ba ya go dira loaro lwa borre are seo ke seo ke sone sesupo sa gore bakapelo ba a tshepana. Mme Ramosesane o ne a tswelela ka go tlhalosa fa kokelwana ya Letlhakeng e na le ditlamelo ka go farolagana tse di tshwanang le go dira loaro lwa bo rre le le babalesegileng,go itlhatlhobela mogare wa HIV/AIDS,go itlhatlhobela kgotlholo e tona le kankere. O kopile borre go nanosa maoto ka botsogo jwa bone. BOKHUTLO education 4 Mapodisi kwa Shoshong a tlhotlhomisa loso Mapodisi a Shoshong a tlhotlhomisa loso lwa monna wa dingwaga tse di masome marataro le botlhano yo go belaesegang a shwetse mo ntlong ya Setswana. Mo potsolotsong le BOPA, mookamela mapodisi a Shoshong, Superintendent Tawana Tawana o tlhalositse fa tiragalo eo e diragetse beke e e fetileng mme ba ne ba itsisewe ke ba losika lwa moswi. O tlhalositse fa moswi a ne a ragosediwa kwa kokelong ya motse kwa go neng ga tlhomamisiwa fa a tlhokafetse. Rre Tawana o tlhalositse fa ba ise ba itse se se bakileng molelo oo mme ditlhotlhomiso di tsweletse. Mo go tse dingwe, Superintendent Tawana o tlhalositse gape fa ba amogetse pego ya ditlou tse di utlwalelwang kwa masimong a Lesetwane le a Mapapeng mo tseleng ya Mosolotshane-Serowe. O tlhalositse fa ba amogetse dipego ka beng ba masimo ao, fa bangwe ba supa fa ditlou tseo di sentse dijalo le diterata mo masimong. O ne a gakolola banni ba masimo gore ba seka ba leka go koba ditlou tseo ka dintsa ka ditlou di sa utlwane gotlhelele le dintsa. O gakolotse gape gore banni ba nne podi matseba ka tlou e le phologolo e e borai e bile e sa rate modumo. A re e re ba di bona ba seka ba di tsosetsa modumo ba re ba a di koba. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Bana ba sekole ba abela masiela E rile bosheng bana ba sekole se segolwane sa Lerala ba abela sekole se se tlhokomelang bana ba masiela sa Mmabana Trust morogo. Mongwe wa baithuti ba sekole seo, Kutlo Disang, a re ba tshwaragane le sekole sa Maralal sa lefatshe la Kenya ka thulaganyo ya ‘Feed another child’. A re ba lemile morogo ka maikaelelo a go tsweledisa thulaganyo eo mme ba ikaelela go abela bana ba ba tlhokileng lesego. Moithuti yoo a re ba tlaa tswelela ba thusa sekole seo go fitlhelela morogo o ba o lemileng o fela ka ba lemogile fa se na le letlhoko le lentsi e bile se na le seabe se setona mo matshelong a banni ka kakaretso. Mogokaganyi wa lenaneo la ‘Feed another child’ kwa sekoleng se segolwane sa Lerala, Mme Gaafele Kedidimetse o boletse fa sekole sa Mmabana Trust se dira tiro e e molemo mme e bile badiri botlhe ba ithaopile. A re sekole sa gagwe se ne sa lomagana le sa Maralal e le thulaganyo e e itebagantseng le go gokaganya dikole e e saleng e simolotse kwa mafatsheng ka bontsi. Mme Kedidimetse yo e leng morutabana wa sekgowa kwa sekoleng sa Lerala a re thulaganyo e e botlhokwa ka e tlaa ruta bana ba sekole sa gagwe go itirela le go thusa ba ba tlhokileng lesego. O boletse fa go tsena mo seemong sa go aba morogo o ba o abileng, go ne go se motlhofo ka baithuti ba simolotse ka go batla lefelo le ba ka jwalang mo go lone ba bo ba le phepafatsa go fitlhelela ba kgona go lema. A re ba tsweletse ba tlhokomela dijwalo tsa bone ntleng le go salwa morago go fitlhelela di nna mo seemong sa go jewa mme ba tlhopha sekole sa Mmabana Trust. Fa a amogela dimpho tseo, modulasetilo wa komiti e e eteletseng sekole sa Mmabana Trust, Rre Boetelo Malope o boletse fa ba ithaopetse bana ba Lerala ntleng le dituelo dipe ka jalo ba tlhokana le thotloetso mo banning ba motse oo. A re go a bonala gore se ba se dirang e le banni ba Lerala se a bonala ka sekole se segolwane sa Lerala se tsibogetse ikuelo ya bone ya gore ba rotloediwe. O lebogetse dimpho tseo a bolela fa di tla a ba fitlhisa golo gongwe fela thata. Bokhutlo education 4 Mokhansalara o tshwentswe ke maduo Mokhaselara wa kgaolo ya Letlhakeng Bokone Mme Stella Segwagwa o supile fa a sa jesiwe diwelang ke maduo a a kwa tlase mo dikong tsa kgaolo ya gagwe.O buile seo fa a fetola pego ya modulasetilo wa khansele eo. O ne gape a ngongoregela go tlhoka go theogela ka nako ga bodiredi mo kgaolong potlana ya Letlhakeng go a tshwenya.O supile fa a itemogetse seemo sa gore batho ba tsaya sebaka se se leele ba letetse bodiredi kwa di ofising. O ne gape a supa a ngongoregela dikoloi tsa khansele,tsa goromente le tsa lephata la ditsha di nna kwa malwapeng a bakgweetsi.O kaile fa mo dikoloi tsa puso di tshwanetse go nna kwa dikagong tseo gona le kwa malwapeng a bodiredi. Mokhanselara wa Mantshwabisi Rre Meshack Tshenyego le ene o ne a tlatsa mokhanselara Segwagwa ka go supa a sa itumelele kwelo tlase ya maduo mo dikolong.O kopile gore go okediwe dipalo tsa babereki ba ipelegeng kwa kgaolong ya gagwe segolo jang kwa Maaege le Matlagatse. O ngongoregetse ba ofisi ya banana go sa iponatse kwa kgaolong ya gagwe go buisa diphuthego.One gape a ngongoregela gore gona le batlhoki kwa kgaolong ya gagwe b aba phimotsweng ntswa seemo sa bone se sa tokafala. O ne gape a lebogela gore batlhoki ba tsweletse ka go agelwa matlo mme a supa a sa itumelela gore ga ba tsenyediwe metsi. One a tswelela ka go kopa gore motsana wa Maanege o tlhomamisiwe semmuso go nna motse ka batho ba motsana oo ba le bantsi. Rre Tshenyego o ne a kopa gore fa go ka bonwa madi ba agelwe ga go ka latedisiwang ditlamelo tsa botsogo teng kwa Maanege le Mmamojewa.Fa a latlhela la gagwe Mokhanselara wa Ditshegwane/Maboane Rre Tsabahule Kgotlhang o ne a supa fa letlhoko la dikoloi mo maphateng a puso go busetsa ditirelo kwa morago. O ne supa fa ba sale ba batla gore ba agelwe kokelo kwa Ditshegwane ka kokelwana ele nnye.O akgotshe ditiro tse ba di neelwang ka Ipelegeng.Mokhanselara wa Kaudwane/Sorilatholo o ne a supa fa a sa itumedisiwe ke seemo sa tsela ya Sorilatholo-Khudumelapye. O ne a supa gape fa letlhoko la matlo a bodiredi kwa Sorilatholo le mo tshwenya.One a lebogela gobo go tlaa tshelwa lekgarapa mo tseleng tse di ralalang motse kwa Kaudwane.Motlotlegi Rre Lopang Sebutlenyane yo e leng Mokhanselara wa Salajwe one a supa fa pego ya modulasetilo e le lolea ka e sa ama dintlha tse dintsi tsa kgaolo potlana ya Letlhakneg. O ne a supa fa modulasetilo a sa ama tebelopele ya sechaba ya 2016.O ne gape a supa fa a tshwenngwa ke letlhoko la ditiro ga banana mo kgaolong ya gagwe. Mme Beauty Bogale wa Motokwe ene o ne a supa fa a sa itumedisiwe ke seemo sa dikago tsa sekolo sa Motokwe.O ne gape a supa fa a sa itumelele gobo khansele e sa fe beng gae ditiro tsa go aga matlo a batlhoki gona le dikompone tse ditona jaaka go diragala. O ne a supa fa a ngongoregela gobo go tsaya lebaka gore batho ba ba thusitsweng ka nyeletso lehuma ba neelwe dithuso tsa bone go simolodisa dikgwebo. BOKHUTLO education 4 Mapodise a lebogela thitibalo Mogolwane wa mapodise a Sejelo kwa Kanye, Superintendent Sello Ntwaagae o akgotse banni ba koo go bo ba ne ba itshwere sentle ka letsatsi la boipuso. Superintendent Ntwaagae o buile seo mo potsolosong, a bolela fa go se ditiragalo dipe tse di maswe tse di begetsweng ofisi ya gagwe, mme a lebogela morafe mowa o montle oo, mme a ba kgothatsa go tswelela ka one. Mogolwane yo mongwe wa mapodise kwa Kanye, Superientendent Kealositse Konyana le ene o lebogetse banni ba Kanye tirisano mmogo e ntle ka letsatsi la boipuso, a gatelela ka gore boipuso bo ne bo siame fela kwa ntle ga gore go ile ga nna le tiragalo e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le borataro a ileng a robadiwa ka dikgobalo tse di masisi kwa kokelong ya Kanye, morago ga go tlhabiwa mmele otlhe ka sengwe se se bogale se go belaesegang e le thipa. Rre Konyana o tlhaloositse fa tiragalo eo e diragaletse kwa marekisetsong a chibuku a Sefitlholo ka letsatsi la boipuso, mme a kaya fa ba ise ba tshware ope mabapi le tiragalo eo. Mo go tse dingwe, Rre Konyana o boletse fa ba tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le boferabobedi, wa kgotla yoo Lobeko mo Kanye, go ba thusa ka ditlhotlhomiso mabapi le go leka go itseela dikobo ka dikgoka mo mosading mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le bobedi le ene e le wa kgotla yoo Lobeko. O tlhalositse gape gore mosimanyana wa dingwaga tse di lesome le boraro le ene o ne a dirisa botlhaswa mosetsanyana wa dingwaga tse supa mo go tsa tlhakanelo dikobo. Superintendent Konyana o boletse fa gape ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone dilalome dingwe tse go sa tshwarwang ope mo go tsone, ba thubileng ba bo ba utswa madi a a kana ka dikete di le masome a mabedi a dipula le lebokoso la setshwantsho sa motshikinyego mo marekisetsong a didirisiwa tsa kago a ANS mo Kanye. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Paakanyo ya dikago e tsweletse Mokhanselara wa Chadibe/Borotsi kwa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami a re dipaakanyo tsa tsela le diofisi tsa puso tse di neng di sentswe ke pula le phefo ngogola kwa metseng eo di tsweletse. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Gabautwe Maboka a bolela fa pula ya ngogola e sentse tsela e e tshwaraganyang metse e mebedi eo, a tlatsa ka go re e ne ya ba ya rutlomolola matlo a borutelo le ofisi ya barutabana kwa sekoleng se sebotlana sa Thabakanaka kwa Borotsi. Rre Maboka a re puso e setse e kgonne go dira go le gontsi go busetsa seemo mo maemong ka mo nakong eno ba emetse go epiwa ga mesele ya metsi le letamo fela. O boletse fa metsi a mantsi a a tshelang ka nako ya dipula a baka morwalela ka jalo a tlaa kgona go feta ka mesele eo a ya kwa letamong gore batho ba tle ba kgone go a dirisa. A re tona wa tsa mesepele le ditlhaeletsano, Rre Nonofo Molefhi o setse a kile a ba etela go tla go lekola seemo mme a tlhalosa fa tiego ya go epa letamo le mesele ya metsi e bakwa ke tlhaelo ya madi. Mokhanselara Maboka o boletse gore seemo sa go tlhaselwa ke morwalela e ne e se lantlha se ba diragalela gonne ka 2010 ba ne ba tlhaselwa gape mme ga seka ga dirwa sepe se sentsi go tokafatsa seemo. Kgosi Asekeng Rabojang wa Chadibe o supile fa a lemogile gore ka nako ya morwalela masimo ke one a a amegang thata ka metsi a mantsi a gogola dijalo. O bolela fa a lebogetse mogopolo wa kago ya letamo ka gonne a re metsi a tla a laolesega go itsa tshenyo. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Thabakanaka Israel wa Borotsi ene o galaleditse mogopolo wa letamo ka a re gantsi fa pula e nele thata metsi a mantsi a ema fela fa gare ga motse go sena kwa a tswelang teng. A re mme seemo seo se ama thata dipodi le dikoko ka di felela di fekeediwa ke metsi di bo di e swa. Kgosi o kopile puso go direla morafe fa o ka tlolang teng fa pula e nele gonne ba sokola thata ka metsi a kgona go kgoreletsa mesepele ya bone. Mongwe wa ba malwapa a a neng a amegile ka nako ya morwalela, Rre Bonang Ratsie wa kgotla ya Sekote kwa Borotsi, o supile fa a eletsa gore ba fudusiwe ka lelwapa la bone le ema metsi a mantsi ka nako tsa dipula. Rre Ratsie a re morwalela o o fetileng o ne wa ba tsenelela mo ntlong mme wa senya didirisiwa tsa madi a a ka tshwarang P40 000, a tlatsa ka gore o ne wa ba bolaela dipodi le dikoko tota. Le fa go ntse jalo, o boletse fa Tautona a ne a ba thusa ka dijo le dikobo. BOKHUTLO politics 7 Sekole se segolwane sa Lobsec se segofetse Moithuti wa pele wa sekole se segolwane sa Lobatse, Dr Allan Kalake o gakolotse baithuti ba sekole seo gore mo botshelong ba ka nna sengwe le sengwe se ba se batlang go sa kgathalesege gore ba simolotse fa kae. Dr Kalake o buile jalo bosheng kwa Lobatse jaaka baithuti ba pele ba sekole seo se se itsegeng ka leina la Lobsec ba dingwaga tsa 1976-1980 ba ne se abela madi go baakanya ntlo e e dirisiwang ke badisa-dikago. O ne a kgothatsa baithuti gore ba ipone e le batho bangwe mo setshabeng ba seka ba kgorelediwa ke diemo tsa matshelo a ba tshelelang mo go one, e bile ba seka ba letlelela dikakanyo tse di sa siamang mo matshelong a bone mme ba nne ba itse gore ba na le bokgoni. Dr Kalake a re baithuti ba tshwanetse go nna le ditlhaloganyo tse di bulegileng go sekaseka pharologanyo fa gare ga molemo le bosula, a tlatsa ka go re ga twe phokoje go tshela yo o dithetsenyana, gape mokoduwe go tsosiwa o o itekang. O ne a bua a sa kgale mathe ganong a gwetlha baithuti gore ba seka ba ipelaela mo botshelong, gore ba kgone tse ba di eletsang, a tlatsa ka go re ba seka ba letlelela letshogo le poifo mo matshelo a bone. Fa a tswa la gagwe, Rre Vincent Mongati wa dipalamo tsa setshaba tsa Vincent Tours o ne a bolelela baithuti gore ba tshwanetse go itse bokgoni jwa bone. A re go tlhoka fela gore motho a nne le lenaneo le sephiri sa ka fa a dirang dilo ka teng gape a itlhaloganya. Rre Mongati o rotloeditse baithuti go nna le tlotlo gore ba tle ba atlege mo go tse ba di batlang, a tlatsa ka go re ‘moremogolo go betlwa wa taola, wa motho o a ipetla’. O ne a ba gakolola fa thuto e le selotlolo sa katlego, mme e bile katlego e se madi e le kagiso le lorato. Rre Mongati o ne a solofetsa gore moithuti yo o tlaa gaisang ba bangwe o tlaa mo pega go ya Motse-Kapa, a mo duelele boroko, a bo a mo fepe fa a le koo. Mo go tse dingwe o gakolotse baithuti go ikgapha mo dikgannyeng tsa marato tse a reng di ba senyetsa bokamoso ba santse ba le bana. Baithuti bao ba pele ba Class of 76-80 ba abetse Lobsec dikete tse di lesome tsa dipula, mme ba bolela gore ke tshimologo ya botsalano ka moono o o reng; Re Busetsa Sekole sa Rona. BOKHUTLO education 4 Ba lebogela lenaneo la Ipelegeng Banni ba motsana wa Dintsana mo kgaolong ya Ngwaketse Borwa, ba boletse fa ba lebogela lenaneo la Ipelegeng ka e le lone le ba tshetsang. Ba boletse jalo mo bekeng e e fitileng mo phuthegong ya kgotla e tsentswe ke mopalamente wa bone Rre Peter Siele yo gape e leng Tona wa dikgaolo le tlhabololo magae. E rile a ntsha tekodiso ka motse Rre Ntwaetsile Rantwa a tlhalosetsa mopalamente fa ba ne ba fiwa tiro ya go agelela kgotla e ba tshwarelang diphuthego mo go yone ka dikota, go agelela mabitla le tse dingwe ka lenaneo la Ipelegeng a re gape kokelwana ya bone e ne ya rutlololwa ke phefo mme le yone go mo lenaneong gore ba e baakanye ka lenaneo la Ipelegeng, a re go a ba itumedisa go tsenya diatla ka lenaneo le, ka ba kgona go ithekela dijo. Rre Rantwa a re o maswabi ka gore banana ba Dintsana ga ba bone mananeo a a ba lebaneng a puso go tokafatsa matshelo a bone mo ba felelang ba lwela lerapo le bagolo fa go thapelwa Ipelegeng. Rre Rantwa o tsweletse a re, ba mo lenyoreng le le botlhoko mme a kopa gore ba gokelelwe pompo e e nosang morafe ka lenaneo la Ipelegeng go tswa kwa motseng wa Seherelela. O tlhalositse fa ba ngongorega ka mokhanselara wa bone yo o sa direleng morafe, fa e sale ba mo tlhopha ka 2009. Ba re go tlhoka go iponatsa mo go bone go ba rontsha mananeo mangwe a puso a ba ka a tlhalosediwang botoka ke ene. Rre Siele one a ba kgothatsa go ikwadisetsa ditlhopho tsa setshaba fa ikwadiso e simologa kgwedi eno e tlhola gane. A re ba tlhaloganye gore go tlhoka go ikwadisa ke go ithontsha tshwanelo ya go tlhopha. O ba boleletse fa motsana wa bone o akareditswe mo dithulaganyong tsa ditlamelo tsa motse wa Seherelela, a re go raya gore jaanong motsana wa bone jaaka e le bontlha bongwe jwa Seherelela ditogamaano tsa Seherelela di a ba akaretsa. Rre Siele a re mme gone ba itse gore mo kemeding ya khansele Dintsana o wela kwa Gasita, a re ba dirilwe lehuka la Seherelela go lebilwe gore go gaufi go latela dithuso teng e bile bana ba ka tsena sekolo gaufi go na le Gasita. Mopalamente Siele o ne a ba abela P500.00 a ba okeletsa madi a boipuso e leng P600.00 yo o tswang kwa khanseleng. Rre Siele o lebogetse banni bao go aga kgotla ka dikota e le lefelo le e tlaa reng isago go agwe leobo la kgotla mo go lone, mme a kopa gore lefelo leo le tlotlwe le fiwe seriti sa kgotla. O tswelete a re puso ga e eletse go bona ngwana ope a tlhaelwa ke thuto ke ka moo go nang le lenaneo la gore bana ba ba neng ba tswa mo sekolong ba sa wetsa dithuto ka mabaka mangwe ba boele sekolong, a re e bile go mo thulaganyong ya gore mo metsaneng e go senang dipalamo bana ba pegiwe dikotsekara go ba isa dikolong kwa metseng e e gaufi le bone, e le maiteko a puso a go rotloetsa thuto. E rile ba mokgwa dikgaba ba lebogela go bo motsana wa bone o akareditswe mo motseng wa Seherelela, ba re mme gone ba bete se molangwana ka go tlhopha mokhanselara e le wa Gasita mme ba kopa dithuso kwa Seherelela. society 9 Se tlatseng noka leswe Letshitshi la noka ya Thamalakane kwa Maun le kgotlelesegile ntateng ya batho ba ba le jelang nala mme ba tlogele leswe le gasame. Lefelo le, le bapile le dikole tse dipotlana tsa Moremi le Thamalakane mo kgotleng ya Riverside. Mo go lone lefelo le, go setlhare se setona se se moriti o tsididi se se ikadileng mo thoko ga noka e, medi ya sone e metona e fetogile ditilo mo go ba ba ikhutsang ka fa tlase ga sone. Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Rre Kebiditswe Kgositamma yo o agileng go bapa le lefelo le, o tlhalositse fa bajanala ba tlogela leswe le tshwana le dikhakha le meteme ya dinotsididi, mme a re seo ga se mo jese diwelang ka go bo se tlogela tikologo e sa lebege. O ne a supa fa bangwe ba iphitlha ka tlhaga e e mo nokeng mme ba itiketse mo nokeng e. A re seo ga se a siamela botsogo jwa ba ba dirisang metsi a a tswang mo nokeng e go nowa le go tlhatswa ka a ka ba tsenya malwetse a tshwana le letshololo. O ne a supa fa go itiketsa mo nokeng go le botlhabetsi mo leruong le le fulang mo letshitshing ka go ka tsenya leruo bolwetse jwa mabele jo baruakgomo le ba lephata la matlhoko a leruo ba lelang ka jone. Rre Kgositamma a re se sengwe gape ke gore dikhakha tse di nna botlhabetsi mo matshelong a dimela tse di mo tikologong le tsone ditshedi tsa metsi di tshwana le ditlhapi tse bangwe ba itshetsang ka tsone. A re khansele ya Bokone Bophirima e agile ntlwana ya boitiketso mo lefelong le mme batho ga ba rekegele go e dirisa mo a supileng e le go tlhoka boikarabelo jwa batho ba ba dirang jalo. A re se sengwe ke gore khansele e ne ya baya tanka ya matlakala mme go lebega bangwe ba tsholotse matlakala a a neng a le mo teng ba a tlogela a gasame. E re ka kgaolo ya Bokone Bophirima e le ya bojanala, a re seemo sa lefelo le, se ka se kgatlhe bajanala ba ba tswang mafatsheng a sele go etela lefelo le. Rre Kgositamma a re bana ba dikole ba rata lefelo le mme ba le dirisa ditiro tse di maswe jaaka go goga motsoko le go nwa majalwa mme e re a ba kgalemela ba mo fetole ka mokgwa o sele. “Fa ke leka go kgalema batho ba nkolopa ka ditlhapa ba bo ba ntsholofetse go nkitaya,” ga bua Kgositamma. A re leswe le le bakwa gape ke gore lefelo le, le bapile le marekisetso, ka jalo batho ba reka dijo le dinotsididi mme ba ikgogele fa lefelong le go jela le go iketla teng, bogolo jang ka mafelo a beke. Rre Kgositamma o ne a kgothatsa batho go nna le maikarabelo fa ba etetse lefelo le, ba tlhaloganye gore noka e, e oka bajanala, ba itsholelo e ikaegileng thata ka bone, mme fa e kgotlelesegile e ka seke e kgatlhe ope. A re batho ba dirise ntlwana ya boitiketso e e mo lefelong le go hema kanamo ya bolwetse jwa mabele mo dikgomong ka nama ya seruiwa se se lwalang bolwetse jo e sena boleng. Rre Kgositamma a re batho ba tshwanetse go somarela matlotlo a tlholego gore dikokomane tse di tlang le tsone di tle di akole bontle jwa tlholego. O ne a wetsa ka go kgothatsa ba Green Scorpion go etela lefelo le kgapetsakgapetsa le go netefatsa gore tanka ya matlakala e teng ka dinako tsotlhe. A re khansele e tshwanetse ya tswa ka maano a go atlhola ba ba bapisang ntlwana ya boitiketso. “Khansele e dira tiro ya yone mme fa ba ka tshwaraganela tiro e ya netefatsa gore lefelo le le nna phepa le ba sepodisi, seemo se ka fetoga,’’ ga bua Rre Kgositamma. BOKHUTLO environment 5 Maele o kgothatsa dikole go itsolopanya Fa tona wa ditsha le matlo, Rre Prince Maele a lekola ba kgaolo ya gagwe ya botlhophi, o ne a bolela fa bogolo go tsotlhe a tshwenngwa ke maduo a bana ba dikole tse di mo kgaolong ya gagwe. A re maduo a bana ga a nametse ka ntlha ya gore batsadi ga ba kgatlhegele tiro ya bana ba bone. A re mo dikoleng tsotlhe tse dikgolwane tse thataro mo kgaolong ya gagwe, ga go sepe se se fetileng 50 per cent. A re se se raya gore fa dikole di ntsha bana ba maduo a a kwa tlase jalo, a go na go nna le baeteledipele ba motiya mo bokamosong go tswa mo kgaolong eo. Le fa go ntse jalo, Tona o ne a re o itumedisitswe ke maduo a dikolo dingwe tse tlharo tse di botlana mo kgaolong eo. O ne a leboga sekole se se botlana sa Moeng ka P3 000 e le sone se se kwa go dimo ga dikolo tsotlhe tse dibotlana mo kgaolong ya gagwe ka maduo a 2014. Sese se latelang o ne a se fa P2 000, so ne e le sa Matlhakola mme a leboga sa maemo a boraro sa Ratholo ka P1 000. Matshwenyego a mangwe e ne ya nna a letlhoko la metsi mo kgaolong ya gagwe le letlhoko la matlo a boroko jwa barutabana. Dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse ka go farologana di ne tsa bega fa dikago dingwe mo metseng ya tsone di onetse ebile di batla go shaafadiwa. Morafhe o ne wa amogela ko tsoopedi kakanyetso ya gore puso e tlaa simolola go atswa banalebogole ba ba senang boitiro ka P300 kgwedi le kgwedi mme bangwe ba ne ba ngongorega ba supa o kare puso e dirile tlhaolela ka go sa akaretseng banalebogole bangwe. Fa a araba, Tona Maele o ne a re batho ba itumelele gore puso e leka ka bonnye jo e bo kgonang mo bogompienong mme mo tsamaong ya nako dilo di tlaa tokafala mme ba bangwe le bone ba akarediwe mo lenaneong. Komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Lerala ene ya re ga e itomedisiwe ke molawana o mosha oo tsamaisang komiti o o letang gore motswa kwa o ka tlhophiwa go nna leloko la komiti. Ya re molawana oo o ba baya ka fa mosing ka gonne baa bo ba sa itse mekgwa ya ene motho yoo. Badula ditilo ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ba ne gape ba kopa gore dikgosana tsa bone di atswiwe. Fa ba akgela ka tsamaiso e ncha ya molao wa matimela, morafhe o ne wa kopa gore bogolo dikgomo tsa matimela di isiwe lesakeng la matimela morago ga kgwedi eseng beke tse pedi kagore se se ka fa mong wa kgomo sebaka sa go e batla Barui bane ba kaya gape fa kgomo ee nang le tshipi le letshwao e se letimela kagore ba tlhokomelo diruiwa ba ka dirisa letshwao la yone go latedisa mong wa yone. Ka nako ya dikarabo, Mme Kgalalelo Maporati wa makgotla a Setswana one a gatelela mafoko a ga Tona are go tlaa atswiwa dikgosana dile makgolo a mabedi, masome a herabobedi le borataro mo lefatsheng lotlhe la Botswana. O ne a tlhalosa fa mo kgaolong ya Lerala-Maunatlala go dule maina a dikgosana dile lesome le boraro fela. Fa Tona Maele a fetola mafoko a modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Lerala, Mme Moipoledi Matlhare, o ne a tlhalosetsetsa phutlhego gore batho ba motse ke bone ba ba nang le thata ya go tlhopha motho yoo. O ne a tlhalosa gape gore ka gonne motho yoo a tshwanetse ke go bo a ntse mo motseng oo ngwaga tse pedi le go feta ebile a nale teta ee maleba ya bonno, phutlhego e ka mo tlhopha go nna leloko la komiti fa e legore e a mo itse ebile e mo tshepha. Tona o ne a gakolola gore batho bangwe ba e seng Batswana ka letso ba na le dikitso mo mehameng ee farologanyeng ka jaalo ba ka solofela mosola dikomiti tsa ditlhabololo ka tsela nngwe Fa a araba ka tsa dikgomo tsa matimela, Tona o ne are se morafhe o se kopang se ka se kgonege ka ntlha ya gore puso e leka go fokotsa ditshenyegelo ka go fokotsa dinako tsa go tshwara dikgomo tsa matimela gape go leletsa le go latedisa barui dikgomo tseo go ka baka ditshenyegelo tse dingwe. O ne a rotloetsa barui gore ba reetse seromamowa mme ba tsibogele ka bofefo fa ba utlwa dikgomo tsa bone di umakiwa mo seromamoweng. Mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Palapye Rre Goloswang Ramogala one a tlhalosa fa dikago tse di tlhokang go atloloswa le go tlhabololwa di le mo lenaneong ebile di tlaa baakangwa mo bogaufing. A re sengwe sa dilo tse di neng di diile ditlhabololo tsa matlo ao e ne e le letlhoko la madi. Baemedi ba maphata aa farologanyeng a puso ba ne ba solofetsa morafhe gore ba tlaa tokafatsa ditirelo tsa bone ka bofefu jo bo kgonagalang. Ba ne ba kopa morafe gore o se ka wa emela diphutlhego go bega matshwenyego a one. Mo dikopong tse dingwe, Tona o ne a solofetsa gore o tlaa di isa kwa palamenteng le ko matoneng a mangwe a puso aa maleba le dikgang tsa teng. Bokhutlo education 4 Busetsang seriti sa kereke - kgosi Kgosi ya Paje mo kgaolong ya Legare, Kgosi Nagano Martin o kopile setshaba go busetsa kereke kwa seriting se e tlholegileng e itsiwe ka sone. O buile seo kwa dithuto- puisanong tsa bakwaledi ba kereke ya Head Mountain of God Apostolic Church in Zion kwa Paje ka mafelo a beke. Kgosi Martin a re mo malatsing ano, kereke ga e sa tlhole e nale seriti ka jaana e le kgwebo e bile gape e le kwa dirukutlhi di iphitlhang teng, ka jalo a kopa kereke eo le setshaba ka kakaretso go sekaseka ntlha e mme ba busetse kereke mo seriting se se e tshwanetseng. O kopile ba tsena dithuto-puisano tseo go tswelela ba gasa lefoko la Modimo le go sokolola setshaba. Kgosi Martin a re bana ba tshwanetse go rutwa bolemo jwa Modimo ba sale bannye gore ba gole sentle, e bile seo se ka fokotsa tiro tse dintsi tse di maswe tse di diragalang mo lefatsheng. O tlhalositse gore gantsi batsadi ba tlogela bana kwa malwapeng fa ba ya dikerekeng. Mokwaledi mogolo wa bakwaledi ba kereke eo, Rre Samuele Siphiti o tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go abelana dikitso go tokafatsa seemo sa kereke. A re ba bone gole mosola gore ba kopanye bakwaledi botlhe ba kereke ya bone mo lefatsheng leno. O tlhalositse gore maikaelelo a dithuto puisano ke go ruta bakwaledi tiro ya bone, le gone gore ba ka thusa jang kereke. A re gape ba leka go tlhabolola bakwaledi ba bone gore e nne ba ba tshepagalang, ba itse molao motheo wa kereke ya bone mme e bile ba o diragatsa ka matsetseleko. Rre Siphiti o gateletse gore ba tsile go abelana dikitso le go leka go itse dikgwetlho tse bakwaledi ba kopanang le tsone mo tirong ya bone gore ba ka dirarabolola jang. Fa a bula dithuto-puisano tseo, moefangedi Mme Francinah Lethapa o gakolotse bakwaledi go ema ka dinao ba itse fa e le matlho le ditsebe tsa kereke, ka jalo ba tshwanetse go nna ba le podimatseba ka nako tshotlhe. Mme Lethapo o kgothaditse bakwaledi gore ba tswhanetse go ithuta le go abelana dikitso gore ba tle ba tokafatse seemo sa tiro ga mmogo le kereke ya bone. A re tiro ya mokwaledi ke go dira ka boineelo, bopelo telele, boikokobetso le lerato gore tiro ya bone e nne motlhofo. O tlhalositse fa a itumeletse gore bogolwane jwa kereke bo dumelane le go tsisa dithuto- puisano tseo kwa motseng wa Paje ka gore maikaelelo a bone ke go isa kereke kwa setshabeng. A re motse wa Paje o monnye mme e bile kereke ya bone mo motseng oo, ke yone ya bofelo go bulwa ka jalo e tlhokana le thotloetso e e tseneletseng gore e gole le banni ba motse ba e tsene. Bokhutlo religion_and_belief 8 Lenaneo le tokafaditse seemo sa maduo Lenaneo la lekgotla la The Broadcaster Organisation (TBO) le thusitse sekole se sepotlana sa Sojwe kwa kgaolong ya Kweneng go tokafatsa maduo a ditlhatlhobo. Se, se senogile ka bosheng fa baithuti ba supa dikitso tse ba di amuleng ka lenaneo la TBO ka tshwaragano le khamphane ya Botswana Insurance Company, (BIC). Mogokgo, Rre Baranudi Molelwa a re sekole sa gagwe e ne e le sengwe sa tse di gogang ka thata go fitlha ka ngwaga wa 2017, fa maduo a tokafala go tswa mo go 45 per cent go ya go 67 per cent, se sena go tsena mo lenaneong la TBO. A re maemo a sekolo a tokafetse thata e bile ba atamela seelo sa lephata la thuto sa maduo a 80 per cent. Monana yo okametseng thulaganyo eo ya baithaopi, Rre Layani Alias, a re lenaneo leo, le le simologileng ka ngwaga wa 2016 le thusitse baithuti go itharabologelwa le go itshepha ka go itse go bala le go kwala. Rre Alias a re o dumela fa lenaneo la TBO le tlaa thusa go solegela puso molemo ka jaana le ntsha maduo le mo dikolong tse di kwa mafelong aa kgakala le ditlamelo. A re sekolo sa Sojwe ga se a tokafatsa maduo a baithuti fela, mme gape se tsweletse ka go tsaya bommampudi jwa dikgaisanyo tsa go ngangisanya. Mo boemong jwa mogolwane wa lephata la thuto, Mme Tebogo Kgosiemang, a re lenaneo la TBO le le simolotseng e le tekeletso le godile mo go nametsang, e bile go solofetswe gore le ka atolosediwa kwa dikolong tsotlhe ka jaanong le segile tema. “Se se bakang kgatlhego e tona ka lenano leo, ke gore le tlhatlhelela baithuti go dira tiro ya sekolo ba itebagantse le seemo jaaka sentse gammogo le go fa baithuti kitso ya se lefatshe le setlhokang”. O rotloeditse bogogi jwa lenaneo leo go godisa maitlamo a go dira ka tshwaragano le dikhamphane tse di ikemetseng go re lenaneo le kgone go nama, go akolwa ke botlhe. Mogolwane wa Botswana Insurance Company, Rre Kago Kemane, a re khamphane ya gagwe e eme nokeng thulaganyo ya TBO, ka jaana ba itumedisiwa ke seabe se se bonalang sa go fetola matshelo a morafe. O kopile gore thulaganyo ya matshwao e simolodisitsweng mo dikolong tse dipotlana, e atolosiwe go thusa batsadi go bona matshwao a bana mo maranyaneng. Mogolwane wa lephata la thuto mo kgaolong ya Kweneng, a itebagantse le lenaneo le le dirang thata ka baithaopi ba dithuto tsa bobega dikgang, Mme Lerato Manele, a re ke dikolo di le masome mabedi le boferabobedi kwa kgolong eo di tlaa dira ka lenaneo la TBO. A re e re le ntswa lenaneo le tsweletse ka go ntsha maduo le kgorelediwa ke tlhaelo ya ditlamelo. education 4 Ngwao pinagare E rile ka mafelo a beke morafe wa Balete wa bo o omogetse kwa kgotleng kgolo ya ga Malete go amogela mophato wa Madisamotse o o saleng o ya go rupa kgwedi ya Phatwe e palama, mme wa aloga fa e fela. E rile a ba a ema ka lefoko, Kgosi Mosadi Seboko a tlhalosa fa mophato wa Madisamotse o neetswe boikarabelo jo bo tona jwa go fokotsa borukutlhi mo kgaolong ya ga Malete, ba thusana le Matsosangwao le mapodisi. Mophato wa Madisamotse ke wa boraro go aloga kwa ga Malete fa e sale ba simolola go tsolosa dikole tsa Setswana tsa bogwera le bojale ka ngwaga wa 2012. Kgosi o rotloeditse magosi go aga morafe ka mephato gore e tle e thuse go fokotsa borukutlhi. O tlhalositse fa motho yo o agegileng a tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go ipabalela mo malwetseng, go itlotla, go tlotla ba bangwe le gone go kgweetsa sentle. Sebui sa tlotla Kgosi Thabo Maruje III go tswa Masunga, kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, o ne a tlhalosa fa ngwao e le konokono mo lebopong la motho. Maruje o tlhalositse fa lefatshe leno le nnile le puso ya batho ka batho le thitibalo, mme sengwe se se neng se rotloetsa se, e ne e le gone go aga motho ka sekole sa Setswana. O boletse fa e rile ka ngwaga wa 2008 tautona wa lefatshe leno a ne a fa ba ntlo ya dikgosi tiro ya go tsaya megopolo mo Batswaneng gore ba ka busetsa jang ngwao le gone gore ba ka e dira ka tsela e e ntseng jang.Kgosi Maruje III o boletse fa Batswana ba ne ba bona fa go le botlhokwa go boela maropeng, ka jaana goora motho go le thebephatshwa. O tlhalositse fa mophato o neetswe boikarabelo jo bo tona jwa go tlhokomela motse, mme a tlhalosa fa go le botlhokwa gore ba tshegetse maina a batsadi ba bone sentle le gone go godisa leina la motse wa bone. Mo go tse dingwe, Kgosi o tlhalositse fa a tshwenngwa ke go ipolaya ga banana, le bao ba ba amegang mo borukutlhing, malwapa a a thubegang le bao ba ba tlogelang magae ba fudugela kwa ditoropong. O kopile banana go tlhalosetsa batsadi ba bone ka dikgwetlho tse ba nang natso, le go tswa ka tharabololo. Fa atswelela, kgosi o tlhalositse fa ngwao e na le seabe se se segolo mo bojanaleng e bile e na le seabe le mo itsholelong ya lefatshe leno. Rre Matshidiso Fologang o ne a tlhalosa fa morafe wa Balete o humile ditso tse di simololang ka dingwaga tsa bo 1735, fa go ne go busa Kgosi Mokgwe, mme a tlhalosa fa ba ne ba tswa kwa Transvaal kwa lefatsheng la Aferika Borwa, go fitlha ka ngwaga tsa bo 1886 fa ba ne ba busiwa ke Kgosi Mokgosi wa ntlha, fa ba tla a felela ba lwa le Bakwena le Bangwaketse mo lefatsheng leno, go fitlhela ba tla go thibelela mo kgaolong ya gaMalete. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Gosiame e thukuthilwe P89 000 Mapodisi a Mahalapye a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone banna ba le bararo ba neng ba thukutha madirelo a Gosiame Filling Station, mme ba e amoga P89 000, tsheke ya P350 le megala ya letheka ya babereki bao e le mebedi. Superintendent Badisang o boleletse ba lekalana la dikgang la BOPA gore banna bao, bane ba tshoganyetsa badiri bao ka nako ya fa pula e komakoma, ba ba supa ka tlhobolo mme ba ba laela gore ba ba neele madi. Rre Badisang o rile le fa dirukutlhi tseo di ne tsa keteka badisa dikago le bangwe ba babereki, ga go na ope yo a neng a bona dikgobalo tse di masisi, mme a re o kopa setshaba go ba loma tsebe ka bangwe ba ba ka tswang ba ba belaela mabapi le tiragalo eo. crime_law_and_justice 1 Bakwena ba amogela dikgakololo Molaodi wa kgaolo ya Kweneng mme Berenice Berman-Mosime a re ba kgonne go ntsha batho mo mekgwatheng go tsibogela kiletso mesepele ya nako eno, go hema kanamo ya mogare wa corona. O buile se mo Potsolotsong le BOPA ka Tshipi kwa Molepolole, morago ga go lemoga fa e rile ka Matlhatso morafe o ne o gololesegile ka metsamao ya gale go tsena mo marekisetsong, fa bagwebi ba ba botlana ba ne ba le mo tsamaisong ya gale ya go gweba, ba itlhokomolositse tlhagiso ya kiletso mesepele ya Labotlhano. Molaodi o ne a re ba ne ba tlhomamisa bogakolodi pele ba ka diragatsa molao. O tlhalositse gore, nngwe ya dikgang tse ba neng ba di tsibogela ka kgakololo ya komiti ya COVID-19, ke ya go thusa batho ba ba neng ba kaeletswe go sena dipalamo magare ga Molepolole le Gaborone go boela kwa mafelong a ba nnang kwa go one. O lebogetse gore e re ntswa seemo se ne se fatlha mo mosong wa letsatsi la Matlhatso, go ne ga nna le tirisanyo mmogo, batho ba tlhaloganya seemo se lefatshe le iphitlhelang le le mo go sone, ka jalo seemo sa boela meriting mo tshokologong. “Tsholofelo ke gore e re ka Mosupologo go bo go se ope yoo ipatang ka go tlhoka kitso ka mo nakong eno re ne re tlhaloganya go ka bona metsamao fale le fale ya bao gongwe ba tswang mo mafelong a a mo tikologong go tla go reka tse di botlhokwa.” Mongwe wa bagwebi ba merogo mme Kenaope Segopa a re, ntswa a tlhaloganya seemo se se lebanyeng lefatshe sa go lwantsha kanamo ya mogare wa corona, o tshwenngwa ke tshwetso ya potlako e a reng e setlhogo, bogolo jang mo bagwebing ba ba botlana ba ba senang le tsone ditsompelo tsa go babalela dithoto tsa bone tse di senyegang. Mme Segopa o ne a lebogela bogogi jwa kgaolo bo akaretsa ofisi ya ga molaodi, ba botsogo le ba sepodise go dira ka boineelo go bona gore seemo se nna mo taolong go sena makgwere. A re seemo sa keletso mesepele se ba kgoreletsa go tswa mo manokonokong a itsholelo e e kwa tlase, a re dikgwebo tsa bone di a ba tshetsa mme se se fokotse palo ya ba ba tlamelwang ke puso. Bakaedi Selemela le ene o lebogetse tirisanyo mmogo ya bodiredi, bogolo jang ba ile ba eteletse pele lefoko la kgalemo le tlhagiso pele ba tsaya dikgato tsa go diragatsa dikotlhao. health 6 Bogodu jwa leruo kwa MASEGO ga bo bepe Banni ba kgaolo ya MASEGO e e akaratsang metse ya Mabolwe, Semolale le Gobojango ba lela ka bogodu jwa leruo jo boileng magoletsa. Ba buile se mo phuthego ya kgotla e e neng e tshwerewe ke tona wa itshireletso molao le thokgamo Rre Shaw Kgathi kwa Semolale bosheng. Bare go nne le itshireletso ya terata le seporo ga mmogo le bo leng teng jwa sepodisi ka go farologana bogolo jang SSG, ba sesole le ba sepodisi.. O tlhalositse gore fa ba ka tshwarwa ba tlaa tsena kgolegelo ya selekanyo sa ngwaga tse di lesome . Ba kopile gore go okediwe badiri banakwana ba lephata la mathoko a leruo ka sekgala se ba kgaoganang ka sone sa 5KM se seleele gona le kgona falo ya gore, batho ba lefatshe la Zimbabwe ba kgaolo terata ba tlodise leruo ka bofefho. Ntlha enngwe bare aleruo la bone le kgaoganngwe ka ditlhopha e le ba zone 7 gonne le A le B. Bane batswelela ka gore sepodisi se palo potlana batlhokometse metse e meraro jaaka Mabolwe, Semolale le Gobojango bale lesome le boraro. Gape bare a bafiwe dirojaroja gore sepe fela se se ka tlhagogang bakgone gothaeletsana le ba bangwe go batswa thuso pele ditlola, letsone dikoloi di okediwe. Basupile fa terata e onetse le o ne matlo a boroko e le makgasa fela, ntlha enngwe bare a lephata la mathoko a leruo le phatlaladiwe ka gore fa motho a tswa motirong ka bogodi kana a tlhokafetse gaa emesediwe, go tsennwe lephata le le ikemetseng gongwe goka nna le tema. Bane basupa fa ka ngwaga wa 2007 gone ga utsuwa Ditonki dile lesome le borataro tsa tshwarwa mo kgaolong ya Nyagale kwa lefatsheng la Zimbabwe. Bane basupa fa mono ngwaga goutsulwe leruo le le masome a mararo le bongwe. E ne yare putlhego ya ga tona Kgathi e tsweletse ga gorogamolaetsa wa gore batho ba lefatshe la Zimbabwe bagateletse leruo le tshwana ditonki di herabobedi, mme ba sesole le sepodisi bane ba tswa latela ditonki tseo. Basupile fa batho ba lefatshe la Zimbabwe ba bahumanegisitse, ba setse baiphothere. Bare batswa kgakala bakopa thuso ya SSG go sireletsa leruo la bone, nako kgolo ke eno. Tona wa itshireletso molao le tlhokgamo Rre Shaw Kgathi a re otla go ba lekola go thulanya dithogo ka seemo sa borukuthi. Tona o ne a na le LT wa sesole sa Botswana Rre Gaolathe Galebotswe, wa sepodisi sa Botswana Rre Makgophe le ba bangwe, mme bane basupa fa batla gonna fatshe basekaseka dilelo tsa bone tebang le dikgang tsa borukuthi. Dikgosi tsa Mabolwe, Semolale le Gobojango le merafhe ya tsone batshwenyegile ka seemo sa bogodu ja leruo jo bo tsereng phekelo e sele. crime_law_and_justice 1 Banana ba na le bokgoni Banana ba tshwanetse go fiwa sebaka go supa bokgoni jo ba nang le jone jwa go tlhabolola lefatshe leno. Se se builwe ke monana wa Tutume, Rre Wachila Khani mo potsolotsong bosheng. A re fa banana ba ne ba ka etleediwa le go fiwa sebaka ba ka nna boradikgwebo le bo mma dikgwebo ba kamoso. Rre Khani ke monana yo o dingwaga tse di masome a mabedi le borababongwe e le ngwana wa bofelo mo lwapeng, le mororo a goletse mo gae mo kgotleng ya Magapatona. Rre Khani a re kgwebo ya gagwe e itebagantse le go hiriwa, a letsa mo meletlong e e farologanyeng, go tsaya dinepe tse di tswang gone foo, go godisa dinepe, ditshwantsho tsa motshikinyego le go taka dikipara e bile a a fa batho ditlamelo tsa boranyane jwa inthanete. A re kgwebo ya gagwe o e simolotse ka ngwaga wa 2006, a direla mo lwapeng ka a ne a ise a nne le ditsompelo tsa go aga kwa a ka direlang teng. O boletse gore kgwebo ya gagwe e godisitswe ke kemonokeng ya batsadi ba gagwe gammogo le bomo golowe. O tswelela a re go ne go le thata ya lentswe, mme ga a ise a ipone tsapa, a tswelela ka go nna a ithekisa ka go nna a letsa mo meletlong ka go fa batho ditlamelo tse di kwa godimo. Rre Khani a re baamogedi ba ditlamelo tsa gagwe ke ofisi ya ga molaodi, ofisi ya kaboditsha, ofisi ya banana le Tutume Spar, a tlatsa ka gore ke bone ba tsisitseng phadisano mo kgwebong. A re dipoelo tse a neng a di bona o ne a sa dijele mo ganong, mme o ne a reka ka go beeletsa didirisiwa tse a di tlhokang. Rre Khani o boletse gore o kgonne go bona lefelo le a direlang mo go lone a kgona go aga ka tsone dipoelo tseo. A re o thusisitswe gape ke lenaneo la YDF le le neng la mo fa P10 000 go isa kgwebo kwa pele, a tlatsa ka gore o afilwe kgwedi ya Phalane e ya fifing. O gakolotse banana ba bangwe go nna pelotelele mo botshelong, a re ba seka ba tshaba go supa bokgoni jwa bone, ka se se ka ba baya mo pepeneneng go ba kgontsha go bona dithuso. A re ga se botlhe ba ba kgonang ditlhaka kwa sekoleng, mme o ba kopile gore ba dire ka botswapelo mo go tsa botaki ka jone bo ka ba isa kgakala. O lebogile Tautona wa lefatshe leno ka go ntsha mananeo a mantsi a a thusang Batswana ka go tlhabolola matshelo a bone. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Borre ba gakololwa go ikuela Kgosi Kenneth Mosarwa wa Shakwe o kopile borre ba ba kgokgontshiwang gore ba ikuele. A re le fa borre e le bone go tlwaelesegileng ba kgokgontsha bomme le bana, kgokgontsho ya borre le yone e a diragala. Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Mosarwa o boletse fa kgokgontsho e diragalelang borre mme e sa tsewe tsia e le ya tiriso ya mafoko a a botlha. O ne a tlhalosa fa Shakwe a le monnye fela thata ka jalo ba kgona go bona fa kgokgontsho e diragalang teng mme batho ba teng ba sa ikuele. A re go palelwa ke go itshwara ga bone go dira gore ba dirise methale e e sa siamang go kgalema bomme jaaka go itaa. “Basadi le bone ba na le gore fa ba kgokgontshiwa ba bo ba tshaba go ikuela kwa mapodising ka gore ba lebile gore rre yo ba mo sekisang yo ke ene a tlisang dijo mo lwapeng mme se se dire gore ba nne fela ba kgokgontshiwa,”a tlhalosa. Fa a itebaganya le tlhokomelo ya bana, kgosi a re o lemogile fa bomme bangwe ba itlhokomolosa go tlhokomela bana ba lebile fela mo go borre, a tlatsa ka gore ngwana o tshwanetse go tlamelwa ke batsadi botlhe. A re fa mongwe le mongwe a ka ikemisetsa go tsaya boikarabelo jwa go lwantsha kgokgontsho, go ka kgonega gore e nyelediwe. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Seboko sa segopa se tlhasetse Lephata la temothuo le itsise setshaba gore lefatshe leno le wetswe ke seboko sa segopa, se se ganyaolang dijwalo le tlhaga, bogolo jang mo mafudisong. Pego e e tswang kwa lephateng le e boletse fa seboko seo se bonwe kwa dintlheng dingwe tsa lefatshe leno di akaretsa Mmopane, Gakgatla, Gweta le Makalamabedi, Shorobe, Shashe, Maun, Matlapana, Chanoga le Gumare. Pego eo ya re lephata la temothuo le tsaya dikgato go lwantsha seboko seo go se thibela go anama, e bile ditlhopha di setse di tlhantlhetse mo mafelong mangwe. E tlhalosa fa go dirwa tshekatsheko le peo leitlho ya go bona gore seboko se se aname go le kae, ka jalo e kopa setshaba go begela balemisi kgotsa lephata kwa mogaleng o o sa duelelweng wa 17755 fa se bona seboko se go belaetsang e ka nna se sa segopa. Pego eo e boletse gore labofelo seboko seo se wa mo lefatsheng leno e ne e le ka ngwaga wa 1991 kwa kgaolong potlana ya Tutume. E supa gore seboko se ka baka tshenyo e e tseneletseng mo dijwalong le phulo, ka gore se ja bosigo le motshegare. Pego eo e supa gore seboko seo ke lesika la serurubele se setona se sefitshwa, se gantsi se bonwang gantsi fa diponeng. E supa gore leina le la segopa le tswa mo go reng seboko se tsamaya ka dipalo tse dintsi, se tswa mo majannye, se tsena mo masimong. Pego ya bobegadikgang e supile gore seboko seo se setala fa se sa ntse se le sennye mme fa se gola se a fetoga, se nne sentsho, ka meradi e e mesweu, mo ditlhakoreng. Pego e supa gore tlhogo ya seboko seo e sesafetse kwa morago mme e ya nna sephara kwa pele. Ya re se boleele jwa disenthimithara di le tlhano. Bokhutlo society 9 Metseyabeng o direla bagodi ba Mogapi boipuso go sale gale Ka go lemoga fa bontsi jwa bagodi ba sa kgone go tsenelela moletlo wa boipuso kwa kgotleng tsa bone, mokhanselara wa Mogapi kwa kgaolong ya Legare, Rre Tuelo Metseyabeng o ne a rulaganyetsa bagolo mokete go ipelela letsatsi le, pele ga le ketekwa kgwedi eno e le masome a mararo. Rre Metseyabeng o ne a tlakisa bagogi ba motse oo ka Labone kwa Mogapi. Mokhanselara o itlamile go tswelela a direla bagodi moletlo wa boipuso, a tlhalosa fa e le labobedi a ntse a dira jalo. A re o bone go le botlhokwa go lemoga seabe sa bagodi mo boipusong jwa lefatshe leno, a tlhalosa fa kagiso le thokgamo tse di renang mo lefatsheng le, e le ka seabe sa bone ka go somarela boipuso jwa lefatshe leno. Rre Metseyabeng o kopile banana ba motse oo ba ba eletsang go tshwaragana le ene go direla bagolo moletlo gore ba gololesege go dira jalo, a re ditlhabololo tsa motse oo di ka dirwa ke bana ba motse wa Mogapi. A re tiro ya mofuta o, ga e amane gope le sepolotiki, ka jalo e akaretsa bagodi botlhe go sa kgathalesege gore ke ba pathi efe. Fa a tswa la gagwe, mothusa modulasetilo wa khansele ya legare Rre Keetshwereng Galeragwe o akgotse Rre Metseyabeng ka go tswelela a supa lorato mo bagoding, mme a mo rotloetsa go dira go feta fa. A re bagolo ke bone ba ba tlhaloganyang boipuso botoka e bile ke bone ba ba ka kaelang banana tsela botoka. Rre Galeragwe a re bagodi ba ka kgona go tlhomamisa gore lefatshe leno le ne le ntse jang pele ga boipuso e bile ke bone ba itseng botlhokwa jwa kagiso le thokgamo. A re e re ba ipela go botlhokwa gore ba lemoge seabe sa puso mo go tlhabololeng matshelo a Batswana ka mananeo a a farologaneng a maikaelelo a one e leng go nyeletsa lehuma le go tlhabolola matshelo a Batswana. Mokhanselara Galeragwe a re puso e lemoga seabe sa bagodi e bile e ikemiseditse go thusa bagolo ka lemmenyana la madi a bagodi kgwedi le kgwedi. A re le fa go sa lekana lemme leo le tlaa kgona go thusa bagodi gore ba seka ba wela mo isong. Fa a tswa la gagwe, mongwe wa bagodi Mme Mantshadi Baipidi o lebogetse mowa o montle o o supilweng ke Rre Metseyabeng gore ngwaga le ngwaga a ba direle boipuso. A re se se supa lorato le tshwaragano fa gare ga boeteledipele jwa motse le morafe, bogolo jang bagodi. Bagodi ba ne ba fiwa mpho ya dino tsididi ke mohumagadi wa mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare Mme Bridget Mzwinila. Mme Mzwinila o ne a leboga Rre Metseyabeng a re ka go dira jalo o itseela masego le matlhogonolo. A re lefatshe leno le fa le leng teng ka bagodi. BOKHUTLO society 9 Kweneng District Ventures e ikaelela go dira letseno Mogolwane wa Kweneng District Ventures o tlhaloseditse khansele-potlana ya Letlhakeng fa khamphani e, e le ya khansele ya Kweneng e maikaelelo a yone e leng go direla khansele letseno. Rre Namedi Modise o tlhalositse fa badiri ba khamphani e se babereki ba khansele. O tlhalositse fa ba na le lefelo gaufi le kampa ya masole kwa Mogoditshane, le maikaelelo a lone e leng go ngoka babeeletsi go aga maremelelo a makisetso teng, a supa fa ba setse ba bone bangwe, ba diilwe fela ke tsheko ya lefelo leo. Rre Modise o tlhalositse gore ba ikaeletse go aga marekisetso a a tlaa lopang P680 million, e le wa boraro ka bogolo, go tswa mo go wa Game City le Airport junction. A re maikaelelo mangwe ke go dira mafelo a bojanala, a tlhalosa fa ba santse ba tlaa kopana le ba kgaolo-potlana ya Letlhakeng go ba sekasekisa kgang e, mme ba tsweletse le go batla ditsela tse dingwe tse di tlaa direlang khansele letseno le ka lone go tlaa dirwang ditlhabololo mo kgaolong. Rre Modise o boletse fa ba sa batle go iphitlhela ba gogagogana le bagwebi ba babotlana, mme a kopa makhanselara go tswa ka megopolo. Makhanselara ba ne ba supa fa ba sa itumelela go bo khamphani e sa le e simolotse go dira ka 2015, mme e le lantlha e gata kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng. Mokhanselara wa Mantshwabisi/Serinane, Rre Meshack Tshenyego a re khamphani e ekare ke ya Mogoditshane le Thamaga ka Letlhakeng a saletse kwa morago. A re ba kile ba ya go tsaya malebela go dira kofi kwa Kenya mme morago ba ithela moriti o tsididi. Mokhanselara Stella Segwagwa o boditse gore diphatlha tsa tiro tsa khamphani, di ne di phatlaladitswe kae ka ba sa di bona. Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Digobo Ramatlhaosa o boditse kwa ba tsayang madi teng go dira ditiro, fa mokhanselara wa Moshaweng/ Monwane, Rre Rutang Rasega a ne a kopa Kweneng Ventures go tsamaya le kgaolo yotlhe go bona mafelo a ba ka a dirang bojanala. Fa a ba kgwa kgaba, Rre Modise o ne a supa fa phatlalatso ya ditiro e ne e dule mo pampiring ya dikgang. O supile fa e le nnete e le gone ba yang Letlhakeng, mme keletso e le go itebaganya le kgaolo yotlhe. A re ba eletsa go latela kofi kwa Kenya go tla e pakiwa e feletse. O supile fa ba ne ba filwe P1.5 million go simolola ditiro tse mme morago ba adima madi a khansele. Mokhanselara wa Ngware/Diphuduhudu, Rre Ontatlhile Selatlho o gakolotse gore fa ba batla go kgona kgwebo, ba dire ditshekatsheko pele. O ne gape a tsiboga fa ba thusa batho bogolo thata ka fa lephateng la go adimisa madi, a supa fa dibanka di gapa batho maikutlo ka dithuso tsa bone. economy_business_and_finance 3 Ba itumelela polase Bagogi ba kgaolo ya bokone botlhaba ba akaretsa molaodi le makhanselara, ba neseditse pula mogopolo wa gore polase e puso e e rekileng gaufi le motse wa Mambo e dirisediwe go hudisa leruo. Ba supile boitumelo jwa bone ka mogopolo oo fa ba ne ba ile go supegediwa polase eo ke ba lephata la kabo-ditsha la Tati ka Laboraro, Ngwanaatsele a tlhola lesome le boraro. Kgosi wa Mambo, Kgosi Obuile Mambo o ne a amogela ka tsoo-pedi mogopolo oo, a supa fa banni ba motse wa gagwe le e mengwe e e mabapi ba ka sologelwa molemo thata ke tshwetso ya gore ba tswelele ba dirisa lefatshe leo go hudisa leruo la bone. O ne a iteela legofi gape mogopolo wa ba kabo-ditsha wa gore go seka ga bewa meraka mo lefelong leo, le gone tota go le agelela, a re go dira jalo go tla tlhomamisa gore barui ba ba ka kwa moseja ga noka ya Vukwi e e fetang kwa bophirima jwa polase eo ga bo kgoreletsege go dirisa ka tshosologo didiba tse di ka kwa ntlheng e nngwe ya noka go nosa leruo la bone. Mokhanselara wa kgaolwana ya Gulubane, e e akaretsang lefelo leo Rre Dikitso Mandevu le ene o ne a rolela hutshe mogopolo wa tiriso ya lefatshe leo, a re o montle thata ka o tlhomile kwa pele dikeletso tsa morafe wa metse e e gaufi le polase eo. Le fa go ntse jalo, o ne a kopa tlhaloso ya gore a mme lefatshe leo le rekilwe mo mothong yo o maleba, e sere gongwe puso ya tsoga e iphitlhela e gogagogana le mong wa lefatshe leo wa tlhomamo. E ne e rile a tlhalosa, modiri wa lekgotla la kabo-ditsha la Tati Rre Kagiso Mhale a supa fa maikaelelo a theko ya polase eo e ne e le go oketsa lefatshe la morafe. O ne a supa fa keletso ya bone le mogopolo o ba tla o rolang kwa phuthegong e e tlang ya khansele e le wa gore lefatshe leo le seka la dirisediwa sepe se sele kwa ntleng ga go hudisa leruo. Rre Mhale o ne a supa fa mogopolo oo o tsetswe ke go lemoga gore go baa meraka mo lefelong leo go ka tsala mosuke wa leruo, selo se se ka tlisang kgotlhego ya lefelo leo. Ka kgang ya gore a polase eo e rekilwe mo mothong yo o maleba, Rre Mhale o ne a bolela fa pele ga theko puso e tlhola mo mekwalong ya ofisi ya kwadiso ya lefatshe (Registrar of Deeds) go batlisisa gore mong wa lefatshe le e batlang go le reka ke mang. A re morago ga moo, go anamisiwa ka dipampiri tsa dikgang, molaetsa ka maikaelelo a go reka lefatshe la go nna jalo gore ope yo o ka tswang a nale kitso nngwe e e ka kgoreletsang theko ya lone a itshupe go tlhalosa kgang ya gagwe. O ne a tlhalosetsa baeteledipele ba ba neng ba tsene tiro eo fa dikgato tsotlhe tse di maleba di tserwe mme ka jalo go se ope yo o ka tsogang a leka go amoga puso lefatshe leo. E ne yare a lebogela theko ya lefatshe leo, modulasetilo wa lekgotla la kabo-ditsha la Tati Rre Kgotlaetsho Morakanyane o ne a supa gore le fa polase eo e le potlana thata, e tla dira pharologanyo ka kgaolo ya bokone botlhaba e aparetswe ke tlhaelo ya lefatshe e e seng kana ka sepe. O ne a supa gore e re ka sejo sennye se sa fete molomo, banni ba metse e e dikologileng polase eo ba lebogele maiteko a puso e a dirileng go fokotsa manokonoko a go tlhaelelwa ke lefatshe a ba tswang kgakala ba tshelela mo go one. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Lephata la thuto le itlama go akaretsa ba-na-le bogole Mogokgo wa sekolo se segolwane sa Letsopa kwa Lobatse, Rre Godiraone Gothaang, a re sekolo ga se kake sa kgona go ntsha maduo a a botoka fa go sena kemonokeng ya ba-na-le-seabe botlhe. Rre Gothaang o buile seo fa sekolo sa Letsopa se ne se tshwere bokopano jwa go lemotsha ba-na-le seabe botlhokwa jwa go tshwaraganela thuto bosheng. O kopile batsadi go tshwaragana le sekolo gore ba kgone go betla baithuti mmogo ka lore lo ojwa lo sa le metsi. E rile akgela, Mme Aobakwe Mosime go tswa kwa lefatsheng la Aferika Borwa, yo e leng mokwadi wa buka ya Under The Blazer, a bolelela gore go botlhokwa gore baithuti ba itlwaetse go bala dibuka. A re go bala go dira gore dithuto di nne bonolo le fa e le tse dithata, ka jalo a rotloetsa batsadi go rekela baithuti dibuka tse di balwang. Mme Mosime o rotloeditse baithuti go dira go menagane mo dithutong tsa bone. A re fa ba ipaakanyetsa ditlhatlhobo ba kope thuso fa ba sa kgoneng teng, ba bo ba tsenye ditlhaloganyo le dipelo tsa bone mo thutong. O tsweletse a ba bolelela gore barutabana ba teng mo sekolong go ba thusa mme le batsadi ba tshwanetse go thusa baithuti kwa malwapeng. Moopedi wa mmino wa Afro- soul Rre Babsy Mlangeni go tswa kwa Aferika Borwa, yo o ithaopetseng go tlhokomela sekolo sa Letsopa, a re ene e le motlhoka-pono o batla go bontsha baithuti ba thuto e e faphegileng gore go nna le bogole ga se go tlhoka bokgoni. O tladitse ka gore le bone ba na le bokgoni jwa go ithuta le go pasa jaaka motho mongwe le mongwe. Morutabana wa bogakolodi le tshidilo maikutlo, Mme Lekwalo o tlhalositse fa maikaelelo a bokopano e ne e le go buisanya le ba-na-le-seabe mo thutong ya ngwana go re ba thuse go tokafatsa maduo. A re maikaelelo gape e ne e le go kgothatsa baithuti ba mophato wa boraro. Mokgatlho wa Junior Chamber International o ne wa abela sekolo se mesangwana e e dirisiwang ke basetsana e le lekgolo, fa ba Game Changers bone ba abetse sekolo seo dibuka di le masome a mabedi. BOKHUTLO education 4 Sekolo se kokoanya madi Baithuti ba sekole se segolwane sa Tsetsebye, barutabana le batsadi ba ne ba tsene mogwanto wa selekanyo sa dikhilomethara di le masome a mabedi go ralala motse wa Tsetsebye ka maikaelelo a go kokoanyetsa sekole seo madi. Fa a bua morago ga go wetsa mogwanto oo, mogokgo wa sekole, Rre Molekodi Oathotse o supile fa ba kgonne go kgobonya madi a a fetang sekete le dipula di le makgolo a matlhano. A re mopalamente wa Tswapong Bokone, Rre Prince Maele o tsere karolo ka go abela sekole seo P600. Rre Oathotse a re madi a otlhe a tla dirisiwa mo ditlhabololong tsa sekole jaaka go baakanya matlo mangwe a borutelo le go reka didirisiwa tsa sekole jaaka ditilo. O supile fa e rile ka 2012 ba dira mogwanto wa mofuta o mme madi a ba neng ba a kgobokanya ba reka ditilo ka one. Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Phillip Tlou o gwetlhile batsadi go tsenelela diphuthego tsa sekole go utlwa gammogo le go itse dithulaganyo tse di tla a dirwang jaaka dipaakanyo tsa moletlo wa kabo dimpho. Kgosi wa motse , Rre Busang Busang o tlhalositse fa sekole seo se sa dire sentle mo dithutong segolo bogolo mo maduong a mophato wa boraro mme a kopa batsadi go tshwaragana le barutabana go bona gore ba ka tokafatsa jang maduo a baithuti. O tsweletse a supa fa baithuti ba tlogela sekole ba le bantsi ka ntlha ya boimana mme a supa batsadi ka monwana a bolela fa se, se bakwa ke go sa tseyeng maikarabelo a a maleba mo dithutong tsa bana ba bone. BOKHUTLO society 9 Leporung o kopa letamo Banni ba Leporung mo kgaolong ya Barolong ba kopile puso go ba agela letamo mo motseng wa bone. Banni ba buile mafoko ao mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke mopalamente wa kgaolo ya bone ebile e le Tona wa Meepo, Kgotetso le Metsi, Rre Kitso Mokaila bosheng. Banni ba boletse fa go agiwa ga letamo go tlaa fedisa letlhoko la metsi mo kgaolong ba supa fa letamo le le dirisiwang mo bogompienong le na le seretse se se ntsi fela thata. Mongwe wa banni, Mme Matildah Dikhutsho o ne a supa matshwenyego ka go tlhoka go bona pampiri ya sekoloto sa metsi (water bill) a tlatsa ka gore fa e sale koparase ya metsi e tsaya mo go ba water affairs ga a itse gore o kolota bokae. O ne gape a bolela fa a sale a duetse motlakase wa BPC Lesedi ka ngwaga wa 2002 mme nako kgolo ke eno. O tsweletse a re mo motseng wa Leporung ba-na-le-bogole ba bantsi mme ga ba bone thuso fela jaaka ba bangwe mo dikgaolong tse dingwe mme o ne a kopa tona go tsibogela kgang eo. Mme Dikhutsho o ne gape a supa matshwenyego a gore bangwe ba bagodi mo motseng ga ba amogele madi a bone ka nako a tlhalosa fa bangwe bone ba sena dibuka tsa dituelo gotlhelele. Bangwe ba banni ba ne ba supa letshwenyego ka badirela puso, ba ba neng ba tlhalosa fa ba ba bona ka nako ya diphuthego tsa kgotla tsa ga mopalamente fela ba kaya fa dingwe ditirelo ba sa di fiwe ka nako. Banni ba Leporung ba ne ba kopa gore ba tlisediwe mokwaledi mo kgotleng, mophepafatsi le mooki kwa kokelwaneng ba tlhalosa fa mooki yo o neng a le teng a isitswe kwa Goodhope. Ba ne na kopa mopalamente wa bone gore a ba kopele koloi ya kokelo ba tlhalosa fa e ba e dirisang ba e pataganetse le metse e e mabapi e e akaretsang Tshidilamolomo le e mengwe. Fa ba tsibogela dilelo tsa banni badirelapuso ba ba neng ba patile tona ba ne ba supa fa ba tlaa tokafatsa fa ba neng ba sa dire sentle teng. Fa a tswa la gagwe tona Mokaila o ne a tlhalosetsa banni ba Leporung gore go aga letamo go tlhokana le morero a tlatsa ka gore go ya go tsaya nako gore ba age matamo a mangwe. E rile a itebaganya le kgang ya BPC Lesedi tona Mokaila o supile fa ene a sale a boletse gore BPC Lesedi ga e na go berekela Batswana a kaya fa e se kompone ya BPC. politics 7 Moagi o ganetsa dipego Motshwarelela mokwaledi wa Lephata la Botsogo le Boitekanelo, Mme Baile Moagi a re ga se boamaaruri gore goromente o dirisitse P2.4 billion go reka melemo le didirisiwa tse dingwe tsa botsogo kwa China. Mme Moagi o buile jalo ka Sontaga, a tsibogela dipotso tsa babega dikgang jaaka a ne a lekodisa ka se se dirwang go tokafatsa ditlamelo tsa botsogo le boitekanelo, morago ga go kgorelediwa ke tlhagogo ya bolwetse jwa COVID-19. A re madi otlhe a dirisitsweng mo nakong eno go reka didirisiwa tsa botsogo go tsibogela bolwetse jwa COVID-19 ke P131 million. Mme Moagi a re bontlha bongwe jwa madi a dirisitswe, a P35 million a dirisitswe mo dikomponeng tsa Batswana go reka dithoto tsa botlhokwa go lwantsha bolwetse jwa COVID-19. “Re santse re emetse didirisiwa tse dingwe tsa madi a P80 million tse di rekilweng kwa lefatsheng la China,” ga tlhalosa Mme Moagi. Le fa go ntse jalo, Mme Moagi a re ke boamaruri gore kwa tshimologong, morago gago tlhagoga ga segajaja sa COVID-19 ba lephata la botsogo le boitekanelo ba ne ba tswa ka lenaneo le le tla didirisiwang go lwantsha bolwetse jo, ka jalo tsotlhe tse ba neng ba dumela gore ke tsa botlhokwa go itepatepanya le seemo se, tsa akanyediwa go ka lopa P2.4 billion. A re sengwe sa botlhokwa ke gore bolwetse jwa COVID-19 bo tlhagogile kwa lefatsheng la China ka jalo ga go thona go lemoga gore lefatshe leo, le setse le gatetse pele mo go logeng maano a go lwantsha segajaja se, ka jalo mafatshe otlhe go akarediwa la Botswana, a bona ditlamelo tsa go lwantsha bolwetse jo kwa lefatsheng la China. “Re tshwanetse ga amogela gore seemo se re leng mo go sona ga se sa tlwaelo, mme le fa go ntse jalo re tla tswelela re dira tse di tshwanetseng go lwantsha segajaja sa corona,” ga tlhalosa Mme Moagi. Mme Moagi o tsweletse a tlhalosa gore dikgwetlho ka bontsi tse di kwa mohameng wa botsogo le boitekanelo ga se tse di bakilweng ke ditiragalo tsa bosheng di tswa kgakala di le teng. O supile gore dikgwetlho jaaka go tlhaelelwa ke bodiredi jwa dikitso tse di rileng, ditlamelo le gone go onala ga dikago le didirisiwa dingwe di ntse di le teng, mme le mo seemong sa nakong eno, se go tlhagogileng segajaja sa corona, ba itlamile go tswelela ba dira ka natla. O supile gore lefatshe la Botswana le tsweletse ka go kopa thuso mo mafatsheng a mangwe go thusa ka ditlamelo tsa botsogo. “Re tsweletse ka go loga maano a go fokotsa dikgwetlho tse re nang le tsone mo mohameng wa botsogo.” O tsweletse a supa gore go tlhapilwe badiri ba nakwana ba le 1 000 go thusa go lwantsha seemong sa nako eno. Mme Moagi are lekalana la Botswana Medicines Regulatory Authority (BOMRA) ba filwe boikarabelo jwa go seka seka sepe se se dirwang se akanyediwa gore e ka nna kalafi ya bolwetse. O tlhalositse gore motswako o dirilweng kwa lefatsheng la Madagascar ga o ise o tlhomamisiwe gore o ka dirisiwa e le kalafi ya bolwetse jwa COVID-19. E rile a itebaganya le kgang ya loeto la ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi kwa lefatsheng la Zimbabwe, Mme Moagi a supa gore ba lephata la botsogo le boitekanelo ba tla dira toslthe tse di tshwanetseng ka jalo e tlare Tautona Dr Masisi a boela gae, o tla tsenngwa mo kwarantining malatsi a e lesome le bone. Mme Moagi o tsweletse a supa gore ke boamaruri gore kapari ya babereki ba botsogo ba ba amanang le balwetse jwa COVID-19 di se motlhofo go bonwa. A re le fa manotonyana a ba nang le one a ka seke a ba goga lebaka, ba solofetse gore seemo seo se tla bona karabo ka gore ba solofetse go amogela mokoakoa wa kapari ya itshireletso ya babereki ba ba amanang thata le balwetse ba COVID-19 mo bogaufing. O supile gape gore ka nako e mo neng go simolodiswa go iletsa motsamao wa batho ka maikaelelo a go emisa kanamo ya mogare wa corona, go boamaruri gore bangwe ba ba neng ba tswakgotswe ke go dirisa dingwe tse di tsitsibosang mmele le ditagi, ba ne ba nna le kgatelelo ya maikutlo ka ba ne ba sa di bone gope. Mme Moagi are ke seemo se se thata, ka jalo gone go se motlhofo mo go ba ba amegileng, ka jalo ba lephata la botsogo le boitekanelo ba ne ba thusa ka go ba sidila maikutlo. Mme Moagi o tsweletse a supa gore go a tshwenya go bona matlhasedi a mogare wa corona a ntse a tsweletse ka go itshupa mo Botswana. Ka jalo o gateletse botlhokwa jwa gore batho ba tswelele ka go sala morago melawana ya ba botsogo gore ba kgone go thibela kanamo ya bolwetse jwa COVID-19. “Sepe se re se dirang, se tshwanetse sa laola ke melawana a beilweng ke ba Presidential COVID-19 Task Team,” ga tlhalosa Mme Moagi. A re le fa ba apesitswe kobo ka letshoba ke bolwetse jwa corona, lephata la botsogo le boitekanelo le tla tswelela ka go neela setshaba ditlamelo tsa botsogo ka go farologana. Le fa go ntse jalo are ditlamelo dingwe di akaretsa tsa botsogo jwa legano, learo, di santse di seegetswe fa thoko. “Re thusa fela ba ba thlokang thuso ya potlako.” A re ka maiteko a go fokotsa mosuke kwa dikokelong, bolwetse ba ba robaditsweng, mme ba supa ba sidigela, ba tla gololwa, mme ba tswelele ka go fiwa ditlamelo tsa botsogo ba le kwa malwapeng. Mme Moagi a re ba ba batlang thuso ya lephata la botsogo le boitekanelo ba leletse mogala wa mahala wa 16649. BOKHULTO politics 7 Ba gakololwa go itisa mo dilalomeng Mookamela mapodisi a Mahalapye, Superintendent Amos Kekgathetse o gakolotse banni go nna kelotlhoko ka nako tsotlhe gore ba seka ba iphitlhela ba tshelegetswe ke madi a kgofa mo ditiragalong tsa burukutlhi. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Kekgathetse a re go le gantsi ba gatisa dikgang tsa petelelo tse di diragalelang bomme ba ba tsamayang ba le nosi bosigo kgotsa ba buledisitswe go tswa maitisong ke batho ba ba sa ba itseng, mme e re kwa pele batho bao ba itseele dikobo ka dikgoka. A kopile bomme go itlwaetsa go tsamaya le batho ba ba ba tshephang fa go le bosigo. O kopile gore batho ba emise go thapa batswakwa, bogolo jang ba ba se nang diteseletso ka gore batho ba teng fa tiro e fela, ba sa tlhole ba na le madi a go itshetsa, ba inaakanya le bogodu mme ba senyetse bone bathapi ba bone. A re seemo se a tshwenya, bogolo jang ka go se motlhofo go tshwara dilalome tseo. O gakolotse gape gore batho ba inaakanye le lenaneo la ntebele ke go lebele gore ba kgone go thusana fa ba tlhasetswe ke magodu. A re le ntswa dikgang tseo di le boutsana mo kgaolong ya gagwe mo nakong eno, batho ba seka ba itsapa go inaakanya le lenaneo leo ka ga ba itse gore ba ya go tlhaselwa leng. Rre Kekgathetse o gakolotse batho gore ba nne ba tshwaya dithoto tsa bone gore go nne motlhofo go di kaya fa mapodisi a di bone mo dirukutlhing. A re go le gantsi mapodisi a nna le mathata fa ba tshwanetse go busa dithoto tsa batho ka go se na bosupi bope jwa gore ke tsa bone. O boletse gape gore batho ba nne ba baya dithoto tse di tshwanang le megala ya letheka mmogo le dibalamakgolo sentle fa di ka se keng di bonaleng motlhofo teng. E re dikgang di eme jalo, mapodisi a Sojwe a bone koloi e e neng ya begwa fa e utswilwe kwa kgotleng ya Parwe kwa Mahalapye. Koloi eo, e go lebegang e thudile, e tlogetswe mo tseleng ya Molepolole/Sojwe. Rre Kekgathetse a re ga go na ope yo o tshwerweng mabapi le tiragalo eo. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Bagodi ba lela ka botho jwa bodiredi Bagodi ba ikuetse mo mookameding wa diposo go kgalemela bangwe ba badiredi ka jaana ba sena tlotlo. Ba ikuetse jalo bosheng, mo go mookamedi wa diposo, Rre Pele Moleta yo a neng a buisa phuthego ya kgotla go tsibosa bagodi ka diphetogo tse disha tsa tiriso ya karata. Ba re ga ba jesiwe diwelang ke botho jwa bangwe ba badiri ba poso ka jaana ba sa ba fe thuso ka fa tshwanelong e bile go sena le yone tlotlo. Ba re se se ngomolang pelo ke gore fa ba ya dituelong ba tlhola ba supula mo letsatsing ba sa thusiwe mme go sena ope yo o ba rerisang gore matsapa di a tsaya kae. Ba supile fa bangwe ba badiri ba kgona go ba tlodisa matlho mme ba thuse balekane ba bone ba ba rometsweng ke batsadi ba bone go ba amogelela. Bagodi ba kopile mookamedi go tsenya kgang eo leitlho, ka jaana seo se busetsa maiteko a mantle a poso morago. Mookamedi wa lephata la Social Services Mme Radibe le ene o ne a tsene phuthegong eo mme o ne a bewa lefoko go kgalemela bommaboipelego bangwe, ka jaana le bone ba tlhokela bagodi botho. Ba re, bommaboipelego ba ba buisa fela ka nyenyefatso le ntswa ba thapetswe go thusa setshaba. E ne ya re a tsibogela kgang eo, Rre Moleta a tlhalosa fa bosheng a ne a bitsa bokopano jwa bodiredi jwa gago go tla go itsaya motlhala. A re, mo dipuisanong tsa bone o ne a ba lemotsha fa ba le mo ditirong tsa bone ka ntlha ya Batswana, a tlatsa ka gore fa morafe o ka ba huralela ba tla sala mo legoeleleng. O kopile bagodi le morafe ka kakaretso go ikuela mo mogolwaneng wa poso fa modiredi mongwe a sa ba tsaya sentle kana ba sa itumelele boitshwaro jwa gagwe. A re, ba tseye leina la modiri yoo gore ba kgone go tsaya dikgato tse di maleba ka jaana e se botlhe ba dirang maitshwaro a a makgasa. Rre Moleta a re, fa batsadi ba sa bege go tla a nna thata go baakanya seemo mme se tla a jwelela. O tlhalositse fa mo tirong ya bone ba ila maitseo a a makgasa lobaibai a tlatsa ka gore bangwe ba babereki ba morafe o neng o ngongorega ka bone ba latlhegetswe ke ditiro ka ntlha ya boitsholo jwa bone. O kopile setshaba ka kakaretso go ba thusa go alafa seemo seo, a tlhalosa fa e le maikaelelo a diposo go thusa morafe ka botho jwa maemo a ntlha. Mme Radibe le ene o rotloeditse batsadi go ikuela kwa pele fa ba sa itumelele thuso e ba e fiwang. A re, ba ka isa ngongorego kwa mokwaleding wa khansele kana raposo. A re, badiri ba bangwe ke bothata fela ka jaana le fa ba rutilwe ba nna ba itira maidi fela. BOKHUTLO society 9 Borre ba maoto a tshupa Mogolwane wa District Health Management Team mo Kanye, Dr Dick Mpitika o tlhalositse fa borre ba le maoto a tshupa go dira loaro lo lo babalesegileng. A re ntswa ba gasa molaetsa letsatsi le letsatsi, borre ga ba supe kgatlhego ya go emela botsogo jwa bone ka dinao. Fa a bua mo potsolotsong le Dr Mpitika o boletsa fa bana ba sekolo e le bone ba ba dirang loaro ka dipala tse di kwa godimo. A re bana ba ba dingwaga tse di lesome go ya kwa go tse di lesome le boferabobedi ke bone ba go supagalang ba dira loaro ka dipalo tse di nametsang. O buile fa go dira loaro go le mosola mo botsogong jwa rre ka jaana go fokotsa kgonagalo ya go tsenwa ke mogare wa HIV/AIDS le kankere ya bonna. O tlhalositse fa go le mosola go dira loaro nako e sale teng, go thibela go tsenwa ke kankere ya bonna ka gore fa e go tsene bonna bo a kgaolwa, mme rre a tsenngwe lethompho le le tlaa mo thusang go tlhapologa fela. A re fa o tsentswe lethompho leo, toro ya go nna le bana e a nyelela. O buile fa go dira loaro gape lo thusa rre gore bonna jwa gagwe bo nne bo le phepa nako tsotlhe, e bile go kganela kgonagalo ya go tshabelelwa ke malwetse a motlhapo le a dikobo. Dr Mpitika o buile fa loaro lo lo babalesegileng lo fokotsa kgonagalo ya gore rre o ka fetisetsa mogare wa Human PapillomaVirus (HPV) kwa mokapelong, a tlhalosa fa mogare oo o baka kankere ya molomo wa popelo. O boletse fa ngwaga le ngwaga ba bolotsa letsholo ba tsamaya metse le metsana go ruta setshaba ka loaro lwa borre lo lo babalesegileng. Dr Mpitika o gwetlhile bomme go rotloetsa borre ba bone go dira loaro lo lo babalesegileng nako e sale teng gore ba seka ba thanya lo le tsebeng. O kopile setshaba go itse fa loaro lo lo sa dirwe ke mooki mongwe le mongwe mme lo dirwa ke baoki ba ba rutetsweng go dira jalo. BOKHUTLO health 6 Lomang mapodise tsebe ka bogodu Mookamedi wa khamphani ya Debswana, Rre Balisi Bonyongo, o kopile Batswana go loma tsebe khamphani ya gagwe le mapodisi ka batho ba ba inaakantseng le go utswa diteemane ka bokukuntshwane. E rile Rre Bonyongo a rolela banni ba Kalamare ntlo lehalahala e agilweng ke Debswana ka P650 000, a bolela fa e le boikarabelo jwa Batswana go thusana le khamphane ya gagwe gammogo le mmuso go lwantsha go utswiwa ga diteemane ka bokukuntshwane ka ele tsone tse lefatshe leno le ikaegileng ka tsone mo go tswelediseng ditlhabololo. O boleletse batho ba ba neng ba thologetse moletlo oo, gore fa esale lefatshe leno le simolola go ipusa ka 1966 go tsena gompieno Batswana ba ntse ba ikaegile ka diteemane go tsweledisa ditlhabololo ditshwana kago ya dikokelo le dikokelwana, dikole, tlhabololo ya ditsela, kanamiso ya metsi mo dikgaolong le go tokafatsa matshelo a Batswana ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka go ba agela matlo a boroko. Rre Bonyongo o akgoletse banni ba Kalamare le baeteledipele ba motse go nna le tirisano mmogo le moono wa go tshwaraganela ditlhabololo tsa motse wa bone ka boipelego jaaka ba kgonne go ikagela sekole se sebotlana le tsela e tshwaraganyang motse wa Mahalapye le Kalamare ka boithaopo. O tsweletse ka go bolelela banni ba Kalamare fa maikaelelo a khamphane ya Debswana ele go ema mmuso nokeng ka go thusa ka madi a go dira ditlhabololo le go nna le seabe mo ditirong tsa morafe o tshwana wa Kalamare. O iteetse legofi baeteledipele ba motse oo jaaka dikgosi,makhanselara le lekgotla la Kalamare Development Trust gammogo le banana go emela ditlhabololo tsa motse wa bone ka dinao. Mopalamente wa Shoshong Rre Phillip Makgalemele a re ele ba kgaolo ya Shoshong ba tlhamile lekgotla le le itebagantseng le go ngokela bagwebi kwa kgaolong eo ka maikaelelo a go bulela banana ba kgaolo eo ditiro tse ba ka itshetsang ka tsone. Rre Makgalemele yo e bileng ele mothusa tona wa merero ya ofisi ya ga tautona le bodirelapuso o boletse fa khamphane ya Debswana e tshwanelwa ke go phophotlhwa legetla ka jaana e tswa kgakala e thusa mo tswelediseng ditlhabololong tsa lefatshe leno. crime_law_and_justice 1 Ntsa le yone e tlhoka tshireletso Makhanselara a Kgatleng a dumelane le tshutiso ya gore khansele e dire bojotlhe go sireletsa dintsa. E rile a ntsha tshutiso eo mo phuthegong ya khansele bosheng, mokhanselara wa Mosanta Borwa, Rre Tona Mooketsi, a bolela fa dintsa di na le karolo e tona mo go sireletseng Batswana. A re lephata la itshireletso, molao le thokgamo le kopilwe go baakanya molao wa bogodu jwa leruo gore go akarediwe dintsa. Rre Mooketsi a re nako e tsile ya gore dintsa di sirelediwe bogolo jang ka Batswana jaanong ba rua tse di ba fang tshireletso e e kwa godimo. Mokhanselara o tlhalositse fa bangwe ba gweba ka tsone e le tsela ya go itshetsa mme ka jalo go botlhokwa gore molao o gagamadiwe gore magodu a tle a tseelwe dikgato tse di maleba. A re mo nakong eno madi a a lefisiwang magodu a dintsa a kwa tlase thata mme go rua dintsa dingwe go tura fela thata. Rre Mooketsi a re go reka dintsa tseo tsa mofuta oo ke madi fela a mantsi mme fa megodu ba di utswile a duela madi a a kwa tlase. O ne a kopa makhanselara a Kgatleng go mo ema nokeng mo tshutisong eo bogolo jang ka ba itse botlhokwa jwa ntsa mo matshelong a Batswana. O supile fa dintsa di le botlhokwa ka di dirisiwa le ke makalana a molao segolo jang mapodisi. E rile makhanselara a mo kgwa dikgaba, a supa fa nako e tsile ya gore dintsa di sirelediwe bogolo jang ka batho ba rua tsa boleng jo bo rileng. Mokhanselara wa Boseja Bokone, Rre Lerothodi Modipane, a re tlhokomelo ya dintsa tsa malatsi ano e kwa godimo thata. A re ntsanyana e le nngwe e fiwa mokento wa madi a a kanang ka P450 mme fa legodu le e utsule le atlholwa madi a a kanang ka P300 fela. Rre Modipane a re seo ke poelo morago mo moruing wa ntsa ka a dira jalo ka matsetseleko le lerato gore a bone tshireletso ya yone kana go e rekisa go dira letseno. Mokhanselara Gomolemo Gouwe wa kgaolo ya Boseja Borwa ene a re nako ya gore dintsha di babalelwe e gorogile. Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Mpho Moruakgomo o lebogetse Rre Mooketsi go ntsha tshutiso eo a re e botlhokwa mme ebile e ka thusa setshaba le lefatshe ka bophara. A re molao o tshwanetswe wa sekwasekwa go akaretsa diphologolo tsotlhe tse batho ba itshetsang ka tsone e seng fela tse di tlwaelesegile e le tsela ya go sireletsa barui. Mokhanselara a re go botlhokwa go baakanya melao le go ntsha ditshutiso tse di tshwanang le ye gore go tle go nne le ditlhabololo le tswelelopele mo lefatsheng. Mo ditshutisong tse dingwe tse di ntshitsweng, makhanselara a ne a dumalana gore go nne le komiti e e tlaa sekasekang go reelela dikago dingwe le mafelo mangwe ka bagaka ba ba bereketseng kgaolo ya Kgatleng. Tshutiso e nngwe e ba neng ba dumalana ka yone ke ya go kopa Botswana Railways gore diterena tsa bone di nne le sesupo sengwe se se kaelang bakgweetsi gore terena e a feta gore ba kgone go itse fa e feletse. Mokhanselara wa Sikwane/Mabalane Rre Molatlhegi Jautse a re go le gantsi bakgweetsi ba felela ba le mo mathateng ka go sa lemoga fa terena e feletse. BOKHUTLO society 9 Botsogo jwa ngwana boswa jo bo popota Mookamedi wa kereke ya Gates of Heaven Network kwa Maun, Moporofeta Thato Elias, a re botsogo jwa bana ke konokono. Fa a bua kwa moletlong mongwe kwa Maun bosheng, Rre Elias o ne a gwetlha batsadi go tlhokomela bana ba bone ka lerato. O ne a kgothatsa batsadi go sala morago tsotlhe tse di kwadilweng mo karateng ya ngwana le go netefatsa gore mekento le melemo e tsewa jaaka go tshwanetse. Rre Elias a re bontsi jwa ditlamelo tsa puso di santse di le mahala, ka jalo botlhokwa go di dirisa. A re bomme ba tshwanetse gape go amusa bana fela jaaka ba botsogo ba laetse ka jaana go na le mabaka a go dira jalo. Rre Elias a re go supagetse fa mashi a lebele a le botlhokwa thata mo kgodisong ya ngwana. O gwetlhile batsadi go dirisa sebaka se ba se neetsweng ke puso, bogolo jang mo go tsa botsogo le mananeo a ba ka itlhabololang ka one. O kgothaditse ba ba tsayang diritibatsi tsa mogare wa HIV go di dirisa sentle le gone go tlhwaafalela go tlhatlhoba bana ba bone gore ba tseye kgato nako e sa le teng. O ne a tlatsa ka gore batsadi ba ithute go botsa ba bongaka fa ba sa tlhaloganye. O ne a akgola kokelwana ya Kubung a re e itshupa fa e setse e godile thata ka a re e kgona go amogela bana ba feta makgolo a matlhano ba dingwaga tse tlhano mme a re sebe sa phiri ke gore ba le boferabongwe mo go bone ba supile fa ba tlhaela dikotla. A re seemo sa go tlhaela dikotla ga se kake sa kgonwa ke ba booki fela ka jalo go botlhokwa gore batsadi ba nne le seabe. Mooki mogolo kwa kokelwana eo, Mme Keitumetse Motsholapheko, o ne a gwetlha batsadi go tsaya tsia dithuto ka tsa botsogo. A re ba lemogile gore batsadi bangwe ga ba dire go lekanye mo kgodisong ya bana, ke ka moo ba boneng go tshwanela go rulaganya letsatsi leo go ba tlhatlhelela ka jaana botsogo e le jone botshelo jwa motho. O tlhalositse fa botsogo jwa ngwana e le maikarabelo a botlhe, a supa fa bana ba beile mo batsading ba bone go ba neela tlhokomelo e e tshwanetseng. O kgothaditse batsadi go tlhomamisa gore bana ba tlhokomelwa ka go tsaya ditirelo tsa kokelwana, ka jalo a kopa batsadi go supa dikarata tsa bana fa ba ba isa kokelong. A re ba kentise bana ka nako ba bo ba netefatse gore ba tsaya mekento jaaka karata ya kokelo e supa. society 9 Bogodu jwa leruo bo apesitse Khakhea Dipalo tsa bogodu jwa leruo kwa Khakhea mo kgaolong ya Borwa di tshwentse kgosi ya motse oo. Mo potsolotsong, Kgosi Joseph Mantries o tlhalositse fa dihutshane e le tsone di tshabelelwang ke go utswiwa ka di sa bewe tshipi ya mong wa tsone jaaka dikgomo. O kaile fa bogodu jo bo diragala bosigo mme e bile fa magodu a tla go utswa dihutshane ba tla ka dikoloi mme ba rwale lesaka lotlhe ba tlogela morui a iphotlhere. O ne a tswelela a tlhalosa fa banni ba ba tsereng dihutshane ka mananeo a puso jaaka nyeletso lehuma e le bone ba tshabelelwang ke go utswelwa thata. Kgosi a re go a tshwenya gore e re puso e leka go tokafatsa botshelo jwa setshaba go bo go na le ba ba ikaeletseng go dira gore maiteko a a folotse. Kgosi Mantries o kaile fa ngwaga o o fetileng ofisi ya gagwe e amogetse dikgang di le thataro mme mo go tsone go sekisitswe kgang e le nngwe fela fa tse tlhano di santse di reeditswe ke ofisi ya gagwe. O kaile fa dikgang tsa bogodu jwa dihutshane di tsaya lebaka ka jaana leruo leo le sa bewe tshipi mme go ikaegilwe fela ka matshwao a dihutshane le fa sebe sa phiri e le gore matshwao a a tlhakanelwa. O buile fa ba tshwaragane le ba sepodisi go leka go lwantsha bogodu jo le ntswa ba tlhaelelwa ke dikoloi go ka latedisa motlhala wa dikoloi tse di dirisiwang ke magodu a. “Ga re na dikoloi go ka latedisa motlhala wa magodu mme mo go re ketefaletsa go dira tiro ka nako ka jaana fa re bona koloi go a bo go setse go le lebaka e bile magodu a ka tswa a tsamaetse kgakala.” A re letlhoko la dikoloi mo motseng wa gagwe le baya badirela puso ka fa mosing ka go nna jaaka ekete ba iteba dinala fa ba tshwanetse go isa ditlamelo kwa setshabeng ntswa go dirwa ke go tlhaelelwa ke ditlamelo. O kopile morafe go nna pelotelele mo go bone ka jaana tlhaelo ya dikoloi e ba dia go thusa setshaba. O ne gape a gakolola barui le banni go nna kelotlhoko thata mo leruong la bone le go leka go rua dintsa go disa leruo la bone. crime_law_and_justice 1 Leo Schachter e siela Malwelwe metsi Kgosi Bokau Tobe wa Malwelwe o lebogetse ba kompone ya Leo Schachter gore ba bo ba gokeletse mafaratlhatlha a metsi go tokafatsa seemo sa metsi mo motseng wa gagwe. O tlhalosiste fa a solofela gore selelo sa metsi kwa motseng wa gagwe se tlaa fela. Mogolwane wa kompone ya Water Utilities Corporsation (WUC), Rre Mmetla Masire, o ne a supa fa le bone e le koporase ba itumeletse gore ba bonye batho ba ba ba thusang mo tirong ya go nosa morafe metsi, a supa fa go se motlhofo go bona ba ba ba thusang go dira tiro ya bone. O kopile banni ba motse oo go somarela metsi, a tlhalosa fa metsi a ba a gokeletsweng ao e le a a nowang ke batho e seng leruo. Rre Masire o tlhalositse fa metsi a a tswang ka fa tlase ga lefatshe a sa ikanyege, a tlhalosa fa go le botlhokwa gore a somarelwe, a bo a supa fa ba itumeletse thuso ya madi e ba e filweng ke kompone e e rethefatsang diteemane ya Leo Schachter, a supa fa ba tlaa kgona go nosa batho ba metse ya Malwelwe le Ngware. Mogolwane go tswa kwa komponeng ya Leo Schachter, Rre Christopher Mamalelala o tlhalositse fa kompone eo, e e rethefatsang diteemane, e sale e direla kwa Molepolole ka 1997. O tlhalositse fa e se la ntlha ba thusa setshaba mme ba tlaa tswelela ba ntse ba thusa, a bo a tlhalosa fa ba na le babereki ba le lekgolo le masome a mane. Rre David Greenberg wa kompone ya Leo Schachter, o tlhalosiste fa kompone eo e simolotse ka 1950 kwa Amerika, ya anama le lefatshe go fitlhelela e tla go tsena mo Botswana ka 1997. O supile fa ba ne ba bona go le botlhokwa gore ba gokelele Bakwena metsi kwa Molepolole, a supa fa jaanong ba itumeletse gore le banni ba Malwelwe ba kgonne go akola lenaneo le. Rre Greenberg o supile fa ba tsile kwa Kweneng dingwaga tse di fetang masome a mabedi tse di fetileng, a supa fa maikaelelo a bone e le go betla lefatshe gore le siamele mongwe le mongwe. Ramaranyane kwa WUC, Rre Seabe Mabua, o ne a supa fa metsi a a nowang kwa Malwelwe e le one a a tlaa bong a nowa kwa Molepolole. O tlhalositse fa mafaratlhatlha a sediba seo a tlaa bo a iperekisa, a supa fa ba tlaa seke ba bone motho kgapetsakgapetsa fa go sone. O tlhalositse fa sediba se sentseng se nosa Malwelwe le Ngware se tlaa sala se nosa Ngware fela. politics 7 Kgosi o itumelela boitshwaro jwa morafe Kgosi Kago Pheretlhego wa Mogorosi a re o itumelela boitshwaro jwa morafe wa gagwe fa e sale go tlhongwa molao wa go emisa metsamao e le maiteko a puso a go laola bolwetse jwa COVID-19. Mo potsolotsong, Kgosi Pheretlhego a re mo nakong eno banni ba obamela melao yotlhe e e beilweng e puso e e ntshang ka seromamowa nako le nako. O ne a supa fa mo nakong eno ya go repisa metsamao go ya kwa mafelong a a farologaneng, go sena matshwenyego ape ka batho ba kgona go etela mafelo a a gaufi a tshwana le Serowe go batla tse ba di tlhokang. Kgosi Pheretlhego a re ntleng le moo, go na le bangwe fale le fale ba ba gogang motsoko ntswa mo nakong eno go sa letlelelwe. O boletse fa go na le dipelaelo tsa gore go na le bangwe ba ba rekisang motsoko mme go sa letlelelwe go dira jalo, le fa go ise go nne le ope yo o tshwaretsweng go goga. O ikuetse mo banning ba Mogorosi go tsaya melaetsa ya segajaja sa COVID-19 tsia ka e le bolwetse jo bo borai thata. A re go repisiwa ga melawana ga go reye gore go ikgatholosiwe bolwetse jo, mme gape ba tshwanetse ba tsamae ba ipipile melomo le dinko fa ba ya kwa mafelong a setshaba. health 6 Mapodisi a Tlokweng a emetse borukutlhi ka dinao Mapodisi a Tlokweng a re ba gatisitse dikgang tsa go thujwa ga matlo di le tharo, mme mo go tsone go utswilwe dithoto tsa madi a a ka fetang P50 000, mo kgweding eno e lesome le bone go ya go e le masome mabedi. Se, se boletswe ke mogolwane wa mapodisi a Tlokweng, Superintendent Lebalang Maniki, jaaka a ne a lekodisa ba lekalana la BOPA bosheng. Superintendent Maniki, o boletse fa go utswilwe dithoto tsa madi a a ka fetang P20 000, mo kgotleng ya Lesunyaneng, tse bontsi e leng tsa motlakase, tse di akaretsang dikhomputara (laptops) le dithelebishene tsa sesha (flat screens) le tse dingwe, mme e bile go tshwerwe banna ba le bane go ba thusa ka ditlhotlhomiso. E ntse e le gone kwa Tlokweng, Superintendent Maniki o supile fa ba tshegeditse banna ba le bane, mabapi le go thujwa ga ntlo nngwe bosigo kwa kgotleng ya ga Ranfurwa, mme ga utswiwa dithoto tsa madi a a fetang P20 000. O supile fa banna ba bararo mo go bone ba ba tshwerweng, e le batswakwa ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mararo le bongwe le masome a mararo le botlhano, fa yo mongwe e le Motswana wa dingwaga tse di masome a mararo le botlhano, e bile botlhe ba nna kwa Old Naledi, kwa Gaborone. Superintendent Maniki o boletse fa ba kgonne go tshwara banna ba ka thuso ya ba Security, a bo a lebogela tirisano mmogo ya bone. A re borre ba ba tla iponatsa fa pele ga lekgotla la ga Makaseterata mo bogautshwaneng. Mo go e nngwe kgangi, mapodisi a a kwa Tlokweng ba re ba tshegeditse rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo, go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le go utswiwa ga dithoto tsa madi a a fetang PI0 000 kwa kgotleng ya Selokwana. Superintendent Maniki, o supa fa go sa ntse go na le bangwe ba ba sa ntseng ba ineile naga ba ba neng ba na le rre yo, mme ba mo patlong ya bone. O kopile setshaba gore fa ba bona batho ba tla ka dithoto di sa phuthelwa, tse go ka belaesegang fa di amana le bogodu jo, ba itsese ba sepodisi ka ponyo ya leitlho, mme ebile a boa a kopa bao ba ba rekang dithoto tsa bogodu go emisa go dira jalo. Superintendent Maniki o gakolotse setshaba gore ngwaga o a fela, mme magodu ba batla go ipona ba tshwere madi, ka jalo ba senya go ya ntlha e le nngwe. O ne gape a kopa gore batho ba tsene diphuthego tsa dikgotla tse ba tla a di buisang, go ipaakanyetsa malatsi a masome a marataro a go tsaya kgato kgatlhanong le borukutlhi. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Kablay o kgothatsa banni ba Malwelwe Mopalamente wa Letlhakeng/Lephephe, Rre Liakat Kablay, a re ke tshwanelo ya mongwe le mongwe go ikuela kwa makgotleng a ditsheko fa a sa itumelele sengwe. Ka jalo o boleletse banni ba Malwelwe bosheng gore ba seka ba kgaolwa pelo ke gore go na le tsheko ee amanang le ditlhopho tsa bokhanselara jwa kgaolo eo. O ne a tlhalosa fa a ka seke a tsene mo kgannyeng ka botlalo ka e santse e le fa pele ga lekgotla. E re dikgang di eme jalo, Rre Kablay o lebogetse banni ba Malwelwe go mo tlhopha gape. A re Botswana o itsiwe ka kagiso le thokgamo mme seo se tsweletse ka go itshupa ka nako ya ditlhopho. Rre Kablay o ne a bolelela morafe fa ba tla bo ba ya palamenteng ya go kgaoganya madi a setshaba mme sengwe sa dilo tse ba yang go itebaganya le tsone ke go tokafatsa thuto mo dikolong. A re seo se tlaa thusa gore seemo sa thuto mo dikolong tsa dikgaolo se tokafale fela thata mme e bile di nne le ditsompelo tsotlhe tse di tlhokafalang gore baithuti ba dire sentle. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Babolotse Moremi a re ba lebogela gore maduo a bana mo sekolong sa bone a bo a tokafetse. A re thuto ya bana e botlhokwa fela thata ka jaaka e le babusi ba kamoso mme go dira sentle ga bone kwa sekolong go ba fa sebaka sa go tswelela pele ba ithuta. Mme Moremi a re ba tsweletse sentle ka mananeo a puso a go tokafatsa matshelo a bone mme le fa go ntse jalo mananeo mangwe a saletse kwa morago. A re lenaneo la bone la ditena ga le ise le simolole mme seo ke poelo morago mo go bone ka banni ba ne ba tlaa bona tiro mo lenaneong leo. Modulasetilo a re ba santse ba na le letlhoko la boroko jwa badirelapuso mme bangwe ga ba nne sentle mo matlong a ba nnang mo go one mme seemo seo se tshwanetse sa tokafadiwa. Kgosi Bokau Tobe ene o ne a kopa gore puso e ba thuse ka go baakanya sekolo sa bone ka se le mo seemong se sa itumediseng. O ne gape a kopa puso go baakanya tsela e e ba gokaganyang le Diphuduhudu ka e le mo seemong se se sa itumediseng. Kgosi Tobe a re ba batla tsela ya sekonotere gore ditlhabololo di tle di tle mo motseng wa bone. Mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Letlhakeng, Rre Joseph Segopa, a re ba itse sentle ka seemo sa sekolo sa motse oo, mme ba mo thulaganyong ya go baakanya. A re khansele ya gagwe e lebanywe ke kgwetlho e tona ya madi mme ka jalo ga ba kgona gore dikolo tsotlhe tse ba neng ba akantse go di baakanya ba di baakanye mo ngwageng ono wa madi. Rre Segopa a re le fa go ntse jalo e tla a re mo ngwageng wa madi o o tlang ba sekegele selelo sa bone tsebe. O ne a kopa komiti ya ditlhabololo go tla ka methale e mengwe ya go leka go fedisa letlhoko la boroko mo motseng wa bone jaaka go dirisa lenaneo la LG1109 go aga matlo a ba ka a hirisetsang badirela puso. Mothusa mokwaledi wa khansele o ne gape a ba kopa gore mo dikopong tsa bone tsa ditlhabololo ba akanye tse dikgolwane go na le tse dinnye tse ba nnang ba di kopa. politics 7 Banni ga ba dumalane le dikgosana Banni ba Radisele ba dumelane go tlosolosa phuthego e mo go yone ba neng ba tshwanetse go tlhopha maina a batho ba ba ka tlhongwang dikgosi tsa motse oo. Tshwetso ya go tlosolosa phuthego e tserwe morago ga gore morafe o seka wa dumelana le mogopolo wa dikgosana wa go tlhoma kgosana ya Ramodela, Rre Shathane Mmereki go nna kgosi ya Radisele. Le fa morafe o sa bolela maina a batho ba ba ka tlhongwang dikgosi tsa Radisele go kaba phatlha ya ga Kgosi Kakanyo Botoka yo o tlogetseng tiro morago ga go bona mahulo a matalana kwa Francistown le Kgosi Christian Ntebele yo o tlogelang tiro ka bogodi kgwedi eno e ya fifing, gone ba supile fa ba sa dumelane le ditshwetso tse di tserweng ke magosi a bone. Ba re mo phuthegong e neng e busiwang ke kgosi Masego Olebile wa Palapaye bosheng, bane ba tlhalosetswa fa ba tshwanetse go tlhopha leina la motho yo ka tlhongwang kgosi le yo ka tlhongwang mothusa kgosi, mme ba bolela fa ba swabisitswe ke go bona magosi a tsere ditshwetso ba sa rerisana le morafe. Batho bao, ba ba neng ba akaretsa Rre Moagi Modise, Rre Thogwana Ntlhompe, Mme Kobamo Kaisara le modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, mmaetsho Boipuso Motsamai, ba re e re ka jaana bogosi jwa Radisele e se jo bo tsalelwang ba hakgamadiwa ke go bona magosana a dikgotlana tsa bone a itseela ditshwetso ba sa rerisana le morafe ka e le one o ka rarabololang kgang eo ka ditlhopho. E ne e rile go le pele, Kgosi Ntebele a bolelela morafe fa a dumelane le dikgosana go tlhopha Rre Mmereki go nna kgosi ya Radisele ka jaana mo magosaneng a a leng teng go sena ope wa bone yo o ka tlhongwang kgosi ka jaana ba sa tsena sekole e bile ba sa itse go bala le go kwala. Kgosi Ntebele o tsweletse ka go kopa morafe go tlhopha motho yo o nonofileng e bile a na le boikarabelo jwa go etelela setshaba gore ba seka ba boelela phoso e ba e dirileng ka nako ya ba tlhopha Rre Botoka go nna kgosi ya bone. E rile kgosana ya Mmapetlwana, Rre Abraham Thuto a tswa la gagwe, a bolela fa ba tsere tshwetso ya go tlhopha leina la ga Rre Mmereki ka jaana e le dikgosana go sena ope mo go bone yo o nonofetseng go nna kgosi kana mothusa kgosi ntateng ya go tlhaela thuto. society 9 Kgosi o kopa tirisanyo mmogo Kgosi Itsoseng Gaoonwe wa motse wa Letlhakeng, a re ga a itumedisiwe ke tirisanyo mmogo e e saletseng kwa morago ya morafe wa motse wa gagwe. Kgosi Gaoonwe o buile seo mo potsolotsong le BOPA, gore o ntse a lebeletse gore o ka bona tirisanyo mmogo ya gagwe le banni ba Letlhakeng mme a re seo se tlhabisa ditlhong ka go na le bangwe ba ba santseng ba itirile magotswana a ditlamelo tsa motse wa bone. Kgosi o boletse fa kgotla-kgolo ya gagwe e sena folaga ka gobo mogala wa folaga go sa itsiwe yo o ka tswang a o utswile. Kgosi Gaoonwe o tsweletse a tlhalosa fa go lebega mogala wa folaga o na le malatsi a le mmalwa o nyeletse mme ene a tswa go lemoga malatsi a mabedi a a fetileng. O ne a tshwaa banni phoso, a re se jaanong se nyenyefatsa motse wa bone. Kgosi a re jaanong o patelesega go nna a ikopa maitshwarelo mo baeng ba ba tlang go buisa diphuthego mo motseng wa bone mme se se dirwa ke banni ba motse wa gagwe ka ba sena mowa wa go tlhokomela ditlamelo tse ba di filweng. Kgosi o ne a tswelela ka go rotloetsa banni gore ba nne mapodisi a ditlamelo tsa motse wa bone ka go sena ope yo o ka tswang go sele a tla go ba lebelelela ditlamelo tsa bone. BOKHUTLO society 9 Kereke e thusa go aga matshelo Batswana ba gwetlhilwe go inaakanya le go tsena kereke ka go dira jalo go ka ba thusa go fema diemo tse di sa eletsegeng mme ba nne le sebaka se se ntsi go tokafatsa matshelo a bone. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Moruti Kitso Bome wa kereke ya The Well of Life Church of Godo boletse fa go tsena kereke le go tsosolosiwa ga botshelo jwa semoya go ka thusa thata go aga tshaba ya Botswana. Moruti Bome o tlhalositse fa kereke e itshupile fa e nale bokgoni le nonofo ya go aga malwapa a a reketlang,go ntsha batho mo go direng ditiro tse di duleng mo tseleng jaaka borukutlhi le boaka. “Kereke e nale seable mo go gololeng batho go tswa mo go direng bosula.Kereke e kgatlhanong le kgokgontsho,tlhalo le gone go dirisiwa ga diritibatsi le nnotagi tota.E thusa le go gakolola batho go tswa ka methale e efarologanyeng ya go itshetsa,” a tlhalosa. O tsweletse ka go tlhalosa fa kereke e rotloetsa thata mananeo a puso,a re e rotloetsa badumedi go tsaya mananeo a puso gore ba itirele ditiro tse di ka ba tokafaletsang matshelo, go ba tlhabolola, le go tlhamela Batswana ba bangwe mebereko. O boletse gape gore kereke e rotloetsa mowa wa kutlwano,kagiso le thokgamo tse di tsalwang ke poifo Modimo e bangwe ba sa e tseyeng tsia. Moruti o tsweletse ka go gatelela fa gape kereke e nale seabe se sentsi mo go lwantsheng lehuma, a re se se rurifadiwa ke ditiro tsa bopelotlhomogi tse dikereke ka go farologana di inaakantseng le tsone lefatshe ka bophara. O boletse gape fa kereke e naya mewa e e huduegileng ebile e itlhobogile tsholofelo, ka go fa ba ba amegileng dikgakololo le thotloetso ebile gape e ba thuse go aga matshelo a bone sesha le go itsetsepela mo botshelong, ba sa tshikinngwe ke seemo sengwe le sengwe se ba kopanang le sone. Moruti Bome o boletse fa go utlwisa botlhoko go bona batho bangwe ba santse ba sa dumele gore kereke e botlhokwa, a re go ngomola pelo go bona batho ba nyelela,matshelo a bone a tlhakatlhakana mme kereke e nale tharabololo le dikarabo tsa matlhoki a bone. O boletse fa a tshwenngwa thata ke dikgang tse di ileng magoletsa tsa go thubega ga malwapa le ditlhalano. O rotloeditse banyalani go seke ba ipona tsapa go ya go kopa thuso ko kerekeng fa ba nale tlhokakutlwisisano,a re lenyaalo ke mpho ya Modimo mme e tlhoka go somarelwa. O gakolotse gore banyalani ba tlotlane, a bolela fa kgolagano ya lenyalo e tlhokana le lorato lwa boammaaruri,bopelotelele, therisano le boineelo. Moruti o gakolotse bao ba ba mo lenaneong la go nyalana go kopa bogakolodi pele ga lenyalo, are go dira jalo go ka ba thusa go emelana le diemo le dikgwetlho tshotlhe tse ba ka kopanang le tsone mo lenyalong. Moruti o ne a kgadile mokgwa wa bakapelo wa go nna mmogo ba sa nyalana, a re seo ke tlontlololo ya kereke le tumelo ya sekeresete. O boletse fa go nna mmogo ga bakapelo ba sa nyalana go ka felela go rotloetsa kgokgontsho, go oka malwetse ebile go baka dintsho tse gantsi di runyang fa bakapelo bao ba tlhoka kutlwisisano. Moruti o tlhalositse gore kereke e rotloetsa baratani go nyalana pele ba tshola bana.O tlhalositse fa bana e le bone ba babalelwang thata fa batsadi ba bone ba ba neng ba ‘inyadisitse’ ba kgaogana kgotsa ba tlhoka kutlwisisano. “Bana ba amega thata fa batsadi ba bone ba ban eng ba nna mmogo ba sa nyalana ba kgaogana, kana ba a bob a tlwaetse go bitsa rraabone ba re papa,jaanong boseyong jwa gagwe mo lapeng go ka baka gore matshelo a bana bao a phatlakane,”a tlhalosa. Moruti o ne a gwetlha Batswana go tsaya boikarabelo jwa matshelo a bone, ba tsene kereke gore ba tle ba thuse puso go aga tshaba ya Botswana e e nonofileng,e e nang le tebelopele ebile e gololesegile. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Mathokgwane o leboga morafe Mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Good Hope/Mabule, Rre James Mathokgwane, o lebogetse morafe ka tlhopho ya bone ya go mo tlhopha go nna mopalamente wa bone mo ditlhophong tse di sa tswa go feta. Rre Mathokgwane o dirile tebogo eo kwa Phitshane/Molopo bosheng jaaka a ne a buisa diphuthego tsa kgotla mo kgaolong go lekodisa morafe ka tsa palamente e e fitileng le go tsaya megopolo go ya kwa palamenteng e e tlang. O ba boleletse gore Tautona fa a fa tekodiso ya setshaba ngogola, o ba tlhaloseditse fa ditiro dingwe di ne tsa seegelwa kwa thoko ka mabaka a kwelo tlase ya itsholelo ya mafatshefatshe, mme a tswelela a tlhalosa seemo se supa tokafala, ka jalo tsholofelo ke gore ditiro dingwe di tla a dirwa. O tsweletse ka go supa gore o tsibogetse seemo sa metsi mo kgaolong mme a buile le tona yoo lebaneng mme go supa diphaephe dinngwe di sa fetise metsi sentle are bogolo jang gone kwa Phitshane/ Molopo mo kgaolwaneng ya tlhaping e a reng metsi ga a tlhatloge sentle a bolela fa ba koporase ya metsi ba mo solofeditse gore metsi a tla goroga kwa motseng oo mo nakong ee sa fediseng pelo. A tlatsa ka gore go na le didiba kwa motse wa Leporung di le tharo tse a reng di tla oketsega go nna nne mme se sengwe se tla itebaganya le go nosa batho ba Phitshane/Molopo. Mopalamente o boletse gore diphaephe di thibiwa ke alkaline mme a supa gore bothata jwa metsi ke di phaephe eseng metsi mme a itlama gore o tla sala ba ba maleba morago gore ba bolele gore go tla siama leng. O tsweletse a supa gore go na le seemo se se ngomolang pelo sa metsi kwa sekolong se segolwane sa Goodhope kwa a reng ga na matlwana a boitiketso a mafuti ka jalo baithuti ba tlamega goya kwa ntle ga sekolo mo sekgweng seemo se areng se kgotlela tikologo le go ama thuto ya bana. Lefa go ntse jalo o kaile gore ra konteraka e tshwere go dira go baakanya diphaepe tsa metsi kwa sekolong seo. E rile a ama tse di amang banana Rre Mathokgwane a re o go tla nna le letlole la banana mo kgaolong (Youth Fund) le le tla tsamaisiwang ke morafe ka letlole le le tla thusa banana ka go ba okeletsa dithuso ka madi a kgwebo tsa bone kgotsa go thusa banana ba ba itekang go tsena mo dikgwebong. Mo go tsa seemo sa thuto mo kgaolong, Rre Mathokgwane o boleletse morafe ba tla simolodisa kabo dimpho ya baithuti ba ba gaisitseng ele bontlha jwa go rotloetsa baithuti go tsaa thuto ya bone ka tlhwafalo,e a tlhalositseng e tla tswelelela go dirwa jalo ngwaga le ngwaga. O ne a tlatsa ka go itsise morafe fa tona wa lephata la ditsela le dipalamo a boletse gore tsela ya Phitshane/Molopo Mabule e e kabong e dirilwe ngwaga oo fitileng ka kgwedi ya motsheganong are tshekatsheko e dirilwe. Lefa go ntse jalo dithulaganyo di tla sekasekwa dibo di dumalanwa ke tona mme ke gone go ka tswelelang. Mo tekodisong ya gagwe modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse wa Phitshane /Molopo Rre Steven Moraladi o ne a bolelela mopalamente gore ditlhabololo mo motseng wa bone di saletse morago are mme dingwe di ne di sa dirwe ka mabaka a kwelo tlase ya itsholelo ya mafatshefatshe mme jaanong ka go utlwala itshololelo e tokafetse, a re ba kopa go agelwa ntlo lehalala ya motse, le go okelediwa badiri ba ipelegeng, go direlwa bagodi moriti kwa posong. O tsweletse a re badisa dikago ga bana matlo a ba nnang mo go one go tshabela pula, go okeletswa dinako tsa molelwane bogolo jang ka malatsi a a botsalo jwa morena ka gore ba eletsa go nna le nako le basika abone mme ba nna kwa Aferika Borwa. politics 7 Tshwaragano le sepodisi e ka tsisa phenyo Mookamela mapodisi a kgaolo ya District No.1 Senior Superintendent Nkwebi Chilisa o kgothaditse morafe wa Tati Siding go nna le tshwaragano e e nitameng le mapodisi mo dikgannyeng tsa borukutlhi go leka go di fedisa. O dirile kgothatso eo mo phuthegong ya kgotla e maikaelelo a yone e neng e le go tla go buisana le morafe go tswa ka megopolo le methale ya sennela ruri e e ka thusang go lwantsha borukutlhi. Senior Supt Chilisa o tlhalositse fa kgaolo ya gagwe e aname mme e bile gape e dikaganyeditswe ke meraka, ka jalo a supa fa e le ba sepodisi ba tshwere phage ka mangana ka dikgang tsa bogodu jwa leruo tse di begwang gangwe le gape A re go utswiwa ga loruo go gakadiwa ke go bo barui bangwe ba kgaolo ba leseletsa loruo lwa bone go nna lo le losi kwa merakeng le kwa mafulong, kgotsa leruo le nna ka fa tlase ga tlhokomelo ya modisa sebaka se se leele ntleng le tlhokomelo ya mong wa lone. Selo se ka bo sone o tlhalositse fa se rotloetsa go utswiwa ga loruo, ka a re se fa magodu a loruo sebaka sa go utswa ka fa ka ba kgonang ka teng. Senior Supt Chilisa o ne supa matshwenyego ka barui ba ba santseng ba na le mokgwa wa go thapa batswakwa go ba disetsa, segolo bogolo ba ba senang diteseletso tsa go tsena mo lefatsheng le go direla mo lefatsheng leno. O ne gape a tlhalosa fa gangwe le gape ba itemogela fa motlhala wa loruo lo lo utswiwang lo felelela kwa bagwebing ba marekisetso a nama, ga mmogo le bangwe ba ba gwebang ka go rekisa dijo. E ne ya re fa a tswa la gagwe, Rre Ndumo James a tshwaela fa bogodu jwa loruo bo keketse mme e bile le bone e le barui ba setse ba robala itlho kgomo ntateng ya go utswiwa ga leruo. Fela mme o ne a ntsha mogopolo wa gore ekete go ka busediwa tiriso ya Omang wa ruong go na le manyena ka motho a kgona go a ntsha motlhofo go itsenyetsa a gagwe. O tlhalositse gore ka nako ya tiriso ya Omang wa dikgomo, dikgang tsa go utswiwa ga loruo di ne di se dintsi mme mo nakong eno e le matlhotlha pelo mo baruing. Fa a iteela kobo moroko, Kgosi France Molalo wa kgotlana ya Mmoroso o ne a kopa gore letamo la Shashe le barui ka bontsi ba kgaolo e ba nosang leruo la bone teng le teratelelwa le nne le tsamaiso e e faphegileng go ka nosa leruo. A re loruo lo nyelela gone kwa tamong eo, mme a tlhalosa fa dingwe tsa dilalome tsa magodu a leruo di lalela leruo teng. Fa a tsibogela dikakgelo tse, Senior Supt Chilisa o ne a ba gakolola gore ba bope ditlhopha tsa barui tse ba ka di dirisang go bua ka lentswe le le lengwe gore megopolo ya bone e utlwale. O tlhalositse fa ba tshwanetse ba buisana le ba ba lebaneng jaaka ba matlhoko a loruo go seka seka kgang e ka mo go tseneletseng mme o ne a atla mogopolo oo a re ka one o ka thusa gore ba itsane botoka gore dikgomo tsa ga semang mang ke dife e bile di wela leng kwa nokeng. Gape o ne a tlatsa ka go ba kopa gore fa e le barui ba le mo thoteng e le nngwe ba itsane le loruo lwa bone gore ka nako e motho mongwe a lekang go utswa loruo ba kgone go mo lemoga botoka. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Baithuti ba abetswe mesangwana lick to see more pictures Ka go lemoga fa e se batsadi botlhe ba ba kgonang, mokgatlho wa The chosen Pads Foundation o ne wa abela baithuti ba sekole se sebotlana sa Molapowabojang mesangwana ya basetsana e e faphegileng go nolofatsa seemo sa bone. Fa a rola mpho eo bosheng, mookamedi wa mokgatlho wa The Chosen Pads Mme Malebogo Letsetla o ne a re ba tlhamile mokgatlho o ka go bona kgwetlho e e lebanyeng ngwana wa mosetsana, jaaka a kgona go palelwa ke go ya sekoleng mo malatsing a setswalo, lebaka e le letlhoko la mesangwana. Mokgatlho o, o dira mesangwana ba bo ba e rekisetsa mabentlele mme e mengwe ba thuse ba ba tlhokileng lesego. Basetsanyana ba le masome a mabedi ba ne ba abelwa mesangwana. Tiro e, e ne e tshwerwe mo setlhogong se se reng; Baya Ngwana mo Sekoleng. “Ka ntlha ya letlhoko batsadi bangwe ga ba kgone go rekela bana mesangwana kgwedi le kgwedi, ka jalo bana ba felele ba dirisa matsela. A re mesangwana eo e pharologanyo le e e tlwaelesegileng ka yone e a tlhatswiwa gore motho a tle a e dirise gape. Modirise o kgona go dirisa mesangwna e le mebedi ka letsatsi, mme e bile mosangwana o, o ka dirisiwa mo dingwageng tse tharo. Mme Letsetla a re mesangwana e e dirilwe e le mefuta meraro, a supa fa go na le o o dirisiwang fa motho a simolola, o o fa gare le o o ka dirisiwang ka malatsi a bofelo. A re ba rotloetsa tiriso ya mesangwana e, ka e bile e somarela tikologo, e bile e somarela madi ka modirisi a ka emisa go reka kgapetsakgapetsa. Fa a ntsha la gagwe, moemedi wa The Chosen Pads Mme Sheillah Molelekwa o supile fa mesangwana e e le ya boleng jo bo kwa godimo mo e ka dirisiwang mo dingwageng tse tharo. O tlhalosa fa ba abela bana ba mesangwana ba lebile gore batsadi ba bone ga ba kake ba kgona go ba rekela kgwedi le kgwedi. Mme Molelekwa a re keletso ya bone ke gore bana ba le bone ba tsoge ba direla ba bangwe sengwe, le gone gore ba itse fa ba na le seabe mo matshelong a ba bangwe mo isagong. Mme Molelekwa a re maikaelelo a bone ke go sireletsa lefatshe mo mesangwaneng ya dipolaseteke, a supa fa mesangwana ya bone e na le boleng ka jaana e dirisiwa gantsi, e bile e sa tshabelwe ke go latlhelwa gongwe le gongwe jaaka go direga ka ya dipolaseteke. Rre Tiro Mekgwe yo le ene a tswang ko mokgatlho wa Chosen Pads o ne a bolela fa tiro e ya mesangwana e e tlhatswiwang e le ya ntlha ya mohuta o go dirisiwa Botswana, a supa fa e ka dirisiwa ke bagolo le bana. Fa a ntsha kgakololo ka tlhokomelo ya mesangwana, a re e tlhatswiwa makgetho a supa e tsenngwa mo metsing a a phepa metsotso e le masome a mabedi, e bo e ntshiwa, jaanong go dirisiwe metsi a a nang molora, mme e tsokodiwe la bofelo morago e tshelwe metsi e bo e tshelwa vinegar e e senang mmala. Fa a amogela dimpho mogokgo wa sekole sa Molapowabojang Mme Cecilia Tshamekang a re dithuso tse ba di amogelang di supa fa sekole sa bone se ratwa ke Modimo. A re gantsi bana ba tlhajwa ke ditlhong go bolelela batsadi ba bone fa ba le mo kgweding, a supa fa dithuso tse di tlaa thusa bana thata. education 4 Ditiro tsa ditlhabololo di tlhoka kitso le ditsompelo Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefe o gateletse boammaruri jwa gore mo lenaneong la go dira ditiro tsa ditlhabololo, go na le seabe se se abelwang banana. O buile jalo a tsibogela dikakgelo tsa morafe mo phuthegong kwa kgotlaneng ya Bokaa mo Mahalapye bosheng. Rre Molefe a re le fa go ntse jalo go botlhokwa gore banana ba ba eletsang go abelwa ditiro tsa ditlhabololo ba phuthe tsotlhe tse di tlhokwang gore ba kgone go fetsa ditiro tse ba di fiwang. “Go nna le ditsompelo le kitso ya go dira tiro e o e abetsweng ke selo sa botlhokwa.” Rre Molefe o tlhalositse gore ditiro tsa ditlhabololo jaaka dikago tsa diofisi le ditsela di tlhoka ditsompelo le boitseanape ka jalo o gakolotse banana go ikopela ditiro tse ba dumelang gore ba ka kgona go di dira ka botswapelo. A re go botlhokwa gore banana ba dirise sebaka se ba se filweng ka botlalo. A re go fiwa tiro o sena didirisiwa le kitso go busetsa morago ka gore bokete jwa madi a tsewa ke go hirisa didirisiwa le go thapa ba ba nang le kitso ya go dira tiro. O tsweletse a rotloetsa banana go ema ka dinao, ba supe fa ba na le boikarabelo jwa go goga lefatshe. Rre Molefe o supile botlhokwa jwa go lemoga le go tlotlomatsa tiro ya boitlhaopo e e dirwang ke maloko a komiti ya ditlhabololo. “Ba dira tiro ya botlhokwa ya go etelela lenaneo la ditlhabololo tsa motse,” ga tlhalosa Rre Molefe. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya BOXHOMO (Bokaa, Xhosa le Mowana), Rre Onkarabile Shatera o ne supa gore maloko a komiti a dira ka natla go tlhabolola motse wa Mahalapye ka jalo a re go botlhokwa gore ba lemogiwe ka go abelwa ditlankana fa lebaka la thomo ya bone le wela. Rre Shatera are ditlankana tsa kakgolo di ka thusa gore motho a ipatlele ditsela tse dingwe tsa go itshetsa. Rre Orelebile Baatweng a supile fa a tshwenngwa ke gore poso ya Mahalapye e emisitse lenaneo la gore bagodi ba amogelele mo dikgotlaneng ka jalo seo se dira mosuke kwa posong le gone go sokodisa bagolo ka ba tsaya nako e ntsi ba letile. Mme Mary Keitebale o supile fa a tshwenngwa ke bana ba ba sa tseneng sekolo sentle bangwe ba bone ba felele ba inaakantse le go dirisa ditagi jaaka motokwane. Mme Keitebale are motokwane o tshwanetse wa emelwa ka dinao fela jaaka gone go dirwa mo malatsing a maloba ka majalwa mangwe, a tlatsa ka gore kothao ya thupa e ka thusa thata go bepisa seemo se. “A moretlwa o lele mo go botlhe ba ba inaakantseng le ditagi, mogolo kgotsa ngwana. Ke tshwenngwa thata ke gore ba diiwa ke ditagi ka jalo ba palelwa ke go dirisa mananeo go tokafatsa matshelo a bone,” ga tlhalosa Mme Keitebale. Mopalamente Molefe o tlhalositse gore thulaganyo ya go amogedisetsa bagolo kwa dikgotlaneng e santse e tsweletse, ka jalo phetogo e e dirilweng ke poso ya Mahalapye ke ya nakwana ka gore ba santse ba tlhaelelwa ke didirisiwa. Le fa go ntse jalo Rre Molefe are phoso ee dirilweng ke go tlhoka go rerisa baeteledipele jaaka VDC le Magosi ka phetogo eo. O tsweletse a supa gore botlhoka tsebe ke sengwe se se tshwentseng Batswana ka kakaretso ka jalo go le botlhokwa go gagamatsa dikatlholo. Rre Molefe a kwathao ya thupa ke sengwe se morafe o eletsang gore se busediwe ka ba dumela e latlhisa motho mekgwa e e fapogileng. politics 7 Mapodisi a Werda a tlhotlhomisa bogodu Mapodisi a Werda mo kgaolong ya Kgalagadi a mo patlong ya banna bangwe mabapi le bogodu jwa dikgongwana tse tlhano. Mo potsolosong bosheng, mookamela mapodisi a Werda, Superintentent Mompoloki Ramatsia a re tiragalo eo e diragetse kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome a mabedi le boraro. Superintendent Ramatsia o ne a tswelela ka go tlhalosa fa baboni ba tiragalo eo e le bangwe ba mapodisi a a neng a dikologa motse oo, le e e mabapi ba etse seemo tlhoko. Mookamela mapodise a Werda o supile fa mapodise ba ne ba belaela koloi nngwe ya modiro wa Isuzu e e bulegileng e e neng e pegile dikgongwana tse ka nako ya lesome le bobedi bosigo gare ka nako e loruo lo sa letlelesegeng go tsamaisiwa ka yone mme ba e sala morago. Rre Ramatsia o kaile fa e ne ya re fa babelaelwa bao ba bona mapodise ba phuaganya koloi eo mo sekgweng mme ba le botsa phokoje. O kaile fa mo nakong ya gompieno ba kgonne go tshwara mmelaelwa a le mongwe fa ba sa ntse ba le mo patlong ya ba bangwe fa ditlhotlhomiso tsa mapodise tsone di sa ntse di tsweletse. O boletse fa babelaelwa bao ba tlholega teng mo motsing wa Werda. Supurintendent Ramatsia o tlhomamisitse fa dikgongwana tseo di le tlhano ka palo tse ditonanyana di le nne le e le nngwe e namagadi mme a kopa setshaba go ya go di bona kwa diofising tsa sepodise kwa Werda. Mookamela mapodise a Werda o supile fa ka lesego morui mongwe a kgonne go lemoga kgongwana ya gagwe e le nngwe, le gore ba setse ba bone le mong wa koloi e e neng e pegile dikgomo tseo. Mabapi le tiragalo eo Supurintendent Ramatsia o ne a gakolola barui go tshuba loruo lwa bone ka matshwao a bone ka dinako tsotlhe ka dikgongwana tseo di sa tshubiwa, a kaya fa seo se thatafaletsa mapodise tiro ka go se motlhofo go batla beng ba lone fa lo utswilwe. O ne a tlatsa ka go kopa gape barui go tlhokomela loruo lwa bone kwa merakeng kgapetsakgapetsa go na le gore ba bee mokgweleo otlhe fela mo badiseng ba bone go fokotsa tshenyo. crime_law_and_justice 1 Williams o akgolelwa boineelo mo tirong Makhanselara a kgaolo ya Legare ba akgoletse Modulasetilo Peter Williams go bo a ba gogile ka lebaka le leele ka boikobo le bopelotelele, e bile a ba tsaya ka tekatekanyo. Ba buile jalo fa ba akgela mo puong ya gagwe ya bofelo kwa khanseleng e e tsweletseng kwa Serowe bosheng. Rre Williams o ne a buisa khansele la bofelo e le modulasetilo ka a fentswe kwa ditlhophong tsa peo letlhokwa. Ba boletse fa khansele e kgonne ditlhabololo dingwe mme tse dingwe di saletse kwa morago ka mabaka a gore kgaolo ya legare e tona mme fa go ajwa madi e lekanngwa le tse dingwe ntswa di le dinnye. Makhanselara ba boletse fa modulasetilo a kgonne go etela metse le metsana mo kgaolong ya Legare go iponela se makhanselara a se buang kwa diphuthegong tsa khansele. Ba boletse fa kgaolo ya Legare e na le dikgaolo-potlana tsa khansele di supa mme le tsone di namile. Ba boletse fa ba dirile le modulasetilo le mororo ditlamelo ga mmogo le bodiredi di ne di tlhaela. Ler fa go ntse jalo ba ne ba ngongoregela gore ditshutiso dingwe le dipotso di ne di sa tsewe tsia ke maphata a a lebaganeng. Ba bolela fa dikarabo di nna di tla di sa kgotsofatse. Le fa go ntse jalo ba boletse fa nako e tsile gore ba ba kgonneng go fenya mo peong letlhokwa ba itsolopaganye. Ba kopa gore diphathi le bonthopheng ba seka ba dirisa dithapa le mafoko a a bosula fa ba ipapapatsa, mme ba bue maitlamo a diphathi tsa bone fela. Ba boletse fa go rogana le go bua dilo tsa malwapa a batho tse di fitlhegileng go sa ba ise gope e bile go kgotlela ledula la puso ya batho ka batho. Makhanselara ba boletse fa dipuo tse dingwe di sa letlelesege ka gore bana ba abo ba reeditse mme kamoso ba tseye gore ke setho, go buiwa jalo. Se sengwe ba kgothaditse gore khansele ya Legare le yone e itirele dikgwebo jaaka dikhansele tse dingwe. Ba ngongoregile ka letlhoko la metsi mo metseng ka go farologana ka bontsi le letlhoko la ditsela ba re ba lekile go lwa ntwa jaanong nako ya bone e setse e wetse. BOKHUTLO politics 7 Bomme ba tlaa tlamela moithuti Bomme ba mokgatlho wa St Anne, wa kereke ya Roma kwa kgaolong ya legare, ba tsere boikarabelo jwa go tlamela moithuti wa lekwalo la bone wa sekole se sebotlana sa Supang kwa Letlhakane. Moeteledipele wa bomme ba St Anne, Mme Bernadette Monagen, a re ba tlaa tlamela mosetsana Happiness Halae ka sengwe le sengwe se a se tlhokang go fitlhelela a fetsa dithuto tsa gagwe a bo a kgona go itirela ka diatla tsa gagwe. Mma Monagen o buile jalo bosheng kwa kgotleng ya Letlhakane jaaka ba mokgatlho oo ba ne ba abela ba-na-le bogole dikolotsana tse di ba thusang go tsamaya di le lesome le dikobo tsa batlhoki di le masome a roba bobedi le botlhano. Mma Monagen a re ba itlamile go direla malwapa a bone le setshaba ka kakaretso ka thotloetso ya Modimo. “Ngwaga le ngwaga re kopanela mo lefelong lengwe go obama, mme pele ga re phatlalala, re abela bangwe, go tokafatsa matshelo a bone le go gasa thomo ya ga Keresete ka ditiro.” Mokwaledi wa khansele potlana ya Boteti, Rre Motshwariemang Matseka, o kaile fa bomme ba dira ka natla go tsamaisa mekgatlho e e thusang go tlhabolola matshelo a batho le go bopaganya tshaba. Rre Matseka a re kereke ya Roma e nnile le seabe se setona thata ka go rotloetsa thuto. O supile gore dikole jaaka sa Mater Spei le Moeding, di simolotswe ke kereke ya Roma, ka nako e go neng go le thata, ditlamelo tsa thuto di tlhaela. O supile gore sengwe se se tshwenyang ke go bona tshwaragano ya lesika e kgaogile ka gore bangwe batho ba ba kobo dikhutshwane ba ka bo ba tlamelwa ke ba masika. A re kereke e dira tiro e e ka bong e dirwa ke ba masika, ba thusana. Bokhutlo society 9 Modulasetilo o batla bonokopila Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng a re o eletsa go bona a eteletse khansele e ditirelo tsa yone di fiwang Batswana ka botswapelo, potlako, tlhompho le lorato e bile di tsepame. Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Bokaa bosheng, Rre Daniel Molokwe o ne a re ditirelo tsa badirelapuso di tshwanetse go kgotsofatsa morafe, e seng gore morafe o romelwe kwa le kwa ba sa thusege. Rre Molokwe, yo e leng mokhanselara wa Rasesa, a re morafe o tshwanetse go dirisa ofisi ya boipelego go kopa thuso pele ba ya kwa maphateng a puso. O rotloeditse badirelapuso go dirisa megala go fefosa ditirelo ka go itshwaraganya le badiri ka bone go bona gore morafe o a thusega. “E le sekai, fa motsadi a tla kwa go mmaboipelego mme karata ya gagwe e sena setempe sa bongaka, wena o le modirelapuso se busetse motsadi kwa bongakeng go ya go tempelwa. Se o ka se dirang ke go leletsa ba bongaka o ba bolelela gore ga go na setempe, mme le dire thulaganyo go tempisa,” a tlhalosa. Rre Molokwe o supile fa gape a tshwenngwa ke tiego ya dituelo tsa batho ba dirile tiro. A re bodirelapuso bo tshwanetse go sekaseka melao yotlhe go bona gore ke e fe e e diang ditirelo tse di fiwang Batswana, mme e baakanngwe fela jaaka Tautona Mokgweetsi Masisi a laotse. Rre Molokwe o ne a kgothatsa komiti ya ditlhabololo tsa motse go thusa go tlhabolola Bokaa ka go dira ditirelo tse khansele e sa di kgonang. A re go a tshwenya gore mo bogompienong dikole dingwe tsa Kgatleng di bo di santse di reka borotho kwa Good Hope, mme go na le mananeo a nyeletso lehuma. Rre Molokwe a re o tshwenngwa ke ka fa boroko jwa badirelapuso bo ajwang ka teng mo Kgatleng. A re ke tshwanelo gore modirelapuso a fiwe boroko gaufi le fa a berekelang teng. O ne gape a kgothatsa makalana a puso go rerisa morafe ka tsotlhe tse ba di dirang. O supile fa khansele le mapalamente ba dirile lenaneo la dingwaga tse tharo tsa ditlhabololo tsa metse ya Kgatleng tse di tlaa dirwang ka letlole la ditlhabololo la dikgaolo. A re ditlhabololo tsa teng ka go tlhomagana ga botlhokwa jwa tsone ke mealo ya ditsela, kgopho ya metsi a pula le dipone tsa mo mekgwatheng. Banni ba Bokaa ba supile fa ba eletsa go bona tsela ya Bokaa-Kopong e dirwa ka e le khutshwane e bile e ka fokotsa mosuke le tiego ya go tsamaya ka tsela ya Gaborone. Ba supile gape fa seemo sa kgopho ya metsi a a leswe se sa ba jese di welang mme ba kopa puso go potlakela go se rarabolola. Ba kaile fa ba tshwaragane le mathata a go kwadisa dikgwebo ka melao le ditsamaiso di faralogana le se bogogi bo se buang. politics 7 Borre Ba UCCSA ba a itshekatsheka Borre ba kereke ya United Congregational Church in Southern Africa (UCCSA) ba ne ba kokoane kwa Jwaneng ka mafelo a beke mo bokopanong jwa go seka-seka seabe sa bone ele borre. Bokopano joo ene e le jwa boraro fa e sale kereke eo e simolodisa lekgotla la borre dingwaga tse tharo tse di fetileng. E rile a bua kwa pulong semmuso ya bokopano joo ka Matlhatso, modulasetilo wa lekgotla la borre, Rre Gaaipone Lesedi, a tlhalosa fa ba na le maikarabelo a magolo a go bona gore melawana ya kereke e a diragadiwa e bile e salwa morago ka fa go tshwanetseng. A re kokoano ya mofuta oo e itebagantse le gore batle go itshekatsheka ele borre go bona gore seabe sa bone e ka nna eng mo go busetseng kagiso le thitibalo mo malwapeng le mo setshabeng ka kakaretso. Rre Lesedi o boletse fa go utlwisa botlhoko gore ebe borre ban a le seabe mo ditshokamong tse di aparetseng lefatshe leno mo bogompienong, a tlhalosa fa ele nako ya gore ba itseye motlhala ba bone fa ba duleng mo seporong teng. A re borre ka tlholego ya bone ba tshwanetse ba nna basireletsi ba malwapa gammogo le baletlanyi fa go sena kutlwano, eseng go nna bakgokgontshi ba bomme le bana. O ba gwetlhile go ema ka dinao go fetola seemo ba bo ba boela mo maemong a bone a go lere kagiso mo matshelong a ba ba tshelang le bone. E rile a tswa la gagwe, Rre Solly Ketshabathupa yo eleng monana a re o leboga fa erile morago ga lobaka ga felela go kgonagala gore lekgotla la borre le nne teng ka jaana ele gone kw aba ithunang dinta teng. O ne a kopa baphuthegi gore ba tswelele ka go laletsa le go rotloetsa borre ba bangw e ba kereke eo go tsena diphuthego tsa lekgotla leo gore bat le go abelana maele. O ne gape a kopa bagolo ba kereke gore ba seka ba tlogela banana kwa morago mo mererong ya lekgotla leo ka jaana go le botlhokwa gore batle go anya megopolo le botlhale mo go bomabutswapele ba kereke batle ba tsweledise go ya pele. E ne erile a ba amogela mo toropong ya gagwe, Kgosi Segale Letshele a tlhalosa fa borre ba itlhokomolositse boikarabelo jwa bone jaaka ditlhogo tsa malwapa mme ebile ba tlhotlheletsa botlhoka tsebe jo bo aparetseng tshaba ya Botswana. A re malwapa a tlhaktlhakane ka ntata ya borre ka jalo go tshwanela gore ba itshekatsheke ka bonosi ba bone gore seabe sa bone ke eng mo dilong tse di maswe tseo. A re ere ka jaana go thubega ga malwapa go golela pele Botswana ka kakaretso, borre ba tshwanetse ba ema ka dinao go fetola seemo ka go intsha mo dikgannyeng tseo. A re fa ba ka boela go diragatsa boikarabelo jwa bone le gone go busetsa malwapa mo seemong se se eletsegang lefatshe leno le ka kgona go fitlhelela maikaelelo a lone a ngwaga wa 2016. Bokopano joo gape bo ne jwa itebaganya le go sekaseka seabe le dikgwetlho tsa borre mo matshelong a segompieno go akarediwa ditshetlana di tshwana le tlhokomelo le kgodiso ya bana, tlhokomelo ya lelwapa, boeteledipele jwa borre mo kerekeng le ko ntle gammogo le thomo ya bone mo kerekeng. religion_and_belief 8 Mokgatlho wa banana o supa bobelotlhomogi Banana ba Kgagodi mo kgaolong ya Legare ba supile bobelotlhomogi bosheng fa ba abela bagodi le ba-na-le bogole ba motse oo dijo le melora. Mo potsolosong le BOPA, Rre Thabo Samuel, modulasetilo wa mokgatlho oo wa leina la Senkga le Kgomo o o dirilweng ka maloko a le lesome le bosupa, a re ba kwadisitse mokgatlho wa bone bosheng e bile maikaelelo a bone ke go thusa ba dikeletso tse di farologaneng mo botshelong. Rre Samuel a re maikaelelo a bone gape ke go isa motse wa bone kwa pele mo tlhabololong ya matshelo a batho le botsogo jwa bone gammogo le go thusa ba ba sa kgoneng go bereka Ipelegeng. A re ba kgonne go abela ba ba tlhophilweng ka dithuso tsa madi le dijo go tswa mo dikhamphaning, dikgwebo le dikereke tsa motse. Modulasetilo a re ba kgonne go bona dithuso tsa madi gammogo le dijo tsa selekanyo sa P10 000. A re ba thusitswe ke khamphani ya kago ya Prince Investments ka P750 le dijo le melora fa godimo, Sinetech ka P1 000, Flow Investments ka madi le dijo, Crawford Bar and Restaurant e ntshitse madi le yone fa dimausu di thusitse ka dijo. “Re kgonne go abela batho ba ka tshwara lesome mme re tlaa tswelela re aba,” Rre Samuel a tlhalosa. Kgosi Moriti Kgagodi le modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Mogomotsi Mareko ba akgoletse mokgatlho wa bone tiro e ntle e ba e dirileng e e supang tlotlo le maitseo mo setshabeng. Gape ba rotloeditse banni ba motse oo go tsaya malebela mo go se se dirilweng go tlhabolola motse le matshelo a batho. Maikaelo a rona a matona monongwaga ke go kokoanya madi gore re kgone go aga ntlo e e tlaa abelwang mongwe mo motseng yo o se nang bonno. BOKHUTLO society 9 Kereke e gopola ditiro tsa ga Mmaarona Dingwaga morago ga go tlhokafala ga moeteledipele wa kereke ya Bontle Bethesda African go tlaa tlhongwa moeteledipele wa kereke eo ka Matlhatso. Faa bua mo potsolotsong le Rre Madigele a re e le ba kereke ya Bontle Bethesda ba na le tshepho mo boeteleding pele jwa bomme, a tlatsa ka gore e re ka ele maitlamo a puso go neela bomme marapo a boeteledipele, ba ne ba bona go tshwanela go neela mme go ba etelelapele e le kereke. A re mookami wa kereke ya bone o tlaa bo a tlhongwa semmuso ke Mookami Lebogang Tube yo o okametseng kgaolo ya borwa mo kerekeng ya Methodist. O ne a tlhalosa moeteledipele yo o tlhongwang go goga kereke e le ngwana wa ntlha wa mosimolodi wa Kereke ya Bontle Bethesda African, Mme Kagelelo Nkemelang, a tlatsa ka go re ga ba a mo tlhoma go ja boswa jwa ga mmagwe mme ba mo tlhomile ba lemogile gore o na le tlhotlheletso le maatla a go etelela phuthego pele. Rre Madigele a re tshwetso nngwe le nngwe e ba e tsayang ba kopa Modimo go ba fa tlhotlheletso ya Mowa o o Boitshepo, mme a bolela fa letsatsi la matlhatso e tlaa bo e se la go tlhoma moeteledipele fela mme le tlaa bo le kopantswe le moletlo wa Raleboga wa ngwaga le ngwaga ka phatwe. Rre Madigele o ne a tlhalosa fa kereke e tlhamilwe ke Mme Nkemelang yo o neng a itsege ka leina la Mmaarona ka ngwaga wa 1956 kwa Magoriapitse. A re e ne ya re Mme Nkemelang a le kwa Afrika Borwa ka 1956 a tlelwa ke lentswe la Modimo mme a boela Botswana a feta a simolodisa kereke a thusa batho ka go farologana, a tsamaya dikgaolo a rerela batho ka diponatshegelo tsa gagwe. Rre Madigele a re e ne ya re phukwi a tlhola masome a mabedi le borobabobedi ba ribolola setshwantsho sa motshikhinyego ka botshelo jwa ga Mmaarona. A re maikaelelo a go ribolola setshwantsho seo e ne e le go lemotsha batho ka botshelo jo motlhami wa kereke a neng a bo tshela le bodiredi jwa gagwe. religion_and_belief 8 Marekisetso a tlaa nonotsha dikgwebo tse dipotlana Komiti ya ditlhabololo ya kgaolwana ya borwa kwa Letlhakeng ya re e na le tsholofelo ya kgolo ya dikgwebo tse di potlana. Mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa komiti eo, Mme Bontle Keikantseng o tlhalositse fa ba solofetse gore kago ya marekisetso e wediwe mo kgweding eno mme se, se tlaa rotloetsa dikgwebo tse di potlana. O supile fa kago ya marekisetso ao e lopile P700 000 ele bontlha bongwe jwa P10 million wa lenaneo la go tlhabolola dikgaolo. O ne a tlhalosa fa bagwebi ba ba botlana ba ya go nna le sebaka sa go rekisetsa dijo mo lefelong le le babalesegileng fa bareki ba tlaa kgotsofalelang bophepha jwa dijo tse ba tlaa bong ba di reka. Mme Keikantseng o ne a tlhalosa fa bagwebi ba ba botlana ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go dira dikgwebo tsa go apaya dijo, ba ya go nna le sebaka sa go ikopela go hirisa mo dikagong tseo. A re ba solofetse go agelwa lefelo la itloso bodutu la madi a fetang P1 million. A re ba santse ba letetse go fiwa setlankana ke ba lekgotlana la kabo ditsha le go fiwa tletla ya go gokelelwa metsi. O supile fa go agiwa ga lefelo leo mo motseng go ya go tswela banana le bagolo mosola ka go thusa go tlhama ditiro. Mme Keikantseng o ne a fa sekai sa gore mabutswa-pele a ka thusa mo dithutong tsa ngwao kwa lefelong la itloso bodutu, mme ba kgona go bona madi a go itshetsa. A re ba bangwe jaaka ba ba nang le talente mo bodiragatsing jaaka poko le mmino wa setso le bone ba ka dirisa dikitso tsa bone go itshetsa ka gangwe le gape go tla nna le maitiso aa farologanyeng. Mme Keikantseng o ne a supa fa khansele e ba tlhaloseditse fa borakonteraka ba setse ba tsentse dikopo tsa go di dira ditiro tsa conference centre le ntlo ya borutelo ya baithuti ba ba-na-le bogole kwa sekoleng se sebotlana sa Gothibamang. O ne a tlhalosa fa motse o fiwa palo ya go hira batho ba le masome a ferabongwe le botlhano mo lenaneong la Ipelegeng, mme palo eo e tlhaelela kgakala, a tlatsa ka gore ba eletsa go okelediwa dipalo gore ba kgone go fitlhelela seelo sa batho ba ba tlhokang ditiro. Mme Keikantseng o tlhalositse fa komiti e na le matlo a boroko a le masome a mabedi a ba a hirisetsang badirelapuso bangwe go itirela madi. A re mo ngwageng oo fetileng, khansele e ne ya ba agela matlo a le mabedi go thusa bangwe ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. A re ba ne gape ba kgona go aga ntlwana ya boitiketso kwa mabitleng a kgotla ya Modimo, ga mmogo le go ntshafatsa ntlwana ya boitiketso kwa kgotleng ya Moiphisi. Modulasetilo a re ba eletsa go ka direlwa tsela e yang ko kgotleng ya Ralebakeng ka ditena, a supa fa bana ba sekolo ba ba nnang mo kgaolwaneng eo ba sokola thata ka nako tsa dipula ka tsela ya teng e sa tsamaege. O bile a supa fa beng ba dipalamo tsa setshaba le bone ba sa batle go tsamaela teng mme seo se pateletsa banni go duela madi a P25.00 a special. Mothusa modulasetilo wa komiti eo, Rre Paper Dikwata o ne a tlhalosa fa motse o setse o godile, o na le dikgaolwane tse dintsi, mme o sena le fa ele banka ele nngwe. Rre Dikwata o ne a ngongorega ka metsi a ba a nowang mo motseng oo, a re go supafala fa a sa tlhatswiwe. A re ba eletsa go ka agelwa lefelo la metshameko le le ka thusang go ribolola talente e e teng mo kgaolong ya bone. economy_business_and_finance 3 Lephata le itlhalosetsa balemi barui Mogolwane wa temo-thuo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Nkaigwa Joel o rotloeditse banni ba Masunga go dirisa mananeo a a leng teng a temo-thuo a akaretsa la LIMID. O ba gwetlhile mo phuthegong ya kgotla go ikatumetsa kwa diofising tsa temo-thuo go tla go tsaya lenaneo le fa gone go lemosegile fa go na le tlhaelo ya dipodi. O ne a kopa gore ope fela yo o nang le dipodi a tle kwa diofising go ikwadisa go ba rekisetsa dipodi gore ba kgone go di abela ba di ba lebaneng ka go latelana ga bone. Rre Joel o ne a tswelela ka go rolela phuthego fa lephata la BAMB e le lone jaanong le rekisang sengwe le sengwe se se tlhokwang ke balemi-barui, e ka nna dijo le melemo. O buile fa thulaganyo e, ya go rolela BAMB thekiso ya tse di tlhokwang ke balemi-barui e simolodisitswe ka kgwedi ya Moranang e tloga, mme fela a gatelela fa ditlhwatlhwa e le tsone fela tse di ntseng di dirisiwa, di sa oketsega ka gope. Moemedi wa lephata la matlhoko a leruo go tswa Francistown, Rre Mbaakanyi Gubungano ene o ne a tlhalosetsa morafe ka fa thekiso ya manyena a leruo e sa ntseng e tsweletse ka teng, mme a rotloetsa morui mongwe le mongwe yo o sa ntseng a saletse kwa morago go bona gore o rekela leruo la gagwe manyena. O tlhalositse fa lenyena le rekwa P20, e bile o boletse gape fa manyena ao a le mabedi mme le le kgolokwe le tsena mo tsebeng ya molema, fa le le sephaphathi le tsena mo tsebeng ya moja.Rre Gubungano o gateletse thata botlhokwa jwa manyena le gore morui mongwe le mongwe a kwadise leruo la gagwe le tsenngwe mo dikhompiutareng gore go tle go itsiwe palo ya leruo lotlhe le le mo kgaolong. O ne a tswelela ka go bua ka karata e morui mongwe le mongwe a tshwanetseng go nna le yone e e bidiwang Livestock Keeper’s Card, a bolela fa karata eo e le yone e e thusang molemi morui mo thekong ya sengwe le sengwe sa temo kgotsa leruo. O ne a wetsa ka go kopa barui go tlhatlhela leruo la bone, a re ba tshwentswe thata ke leruo le le gobeyang fela mo mebileng. economy_business_and_finance 3 Batswana ba kopilwe go tsosolosa ngwao le go tlotla dikgosi Batswana ba kopilwe go tsosolosa ngwao le go tlotla dikgosi. Kopo e, e dirilwe ke Kgosi Senau Ramaribana fa a ne a amogela molelo wa kgolagano kwa Setsile bosheng. A re fa Batswana ba ka tsosolosa ngwao ka go simolodisa mephato e e ka rutang banana mekgwa le tsamaiso ya Setswana, banana ba ka emisa go kopisa dingwao tsa ditshaba disele ba ikgatholosa ya bone. Kgosi Ramaribana a re Batswana ba tshwanetse go tlotla dikgosi segolo jang Kgosi Khama wa boraro wa Bangwato, Kgosi Sebele wa Bakwena le Kgosi Bathoeng wa Bangwaketse ka e le bone ba kopetseng lefatshe leno tshireletso. O ne a galaletsa Tautona wa ntlha, Sir Seretse Khama, ka go ithola marapo a bogosi jwa Bangwato go nna lepolotiki la ntlha go etelela lefatshe la Botswana. A re Batswana ba tshwanetse go itumelela gore fa esale lefatshe la Botswana le tsaya boipuso ka 1966 ga go ise go nne le mekubukubu ya dintwa tsa semorafe kana dipheretlhego tsa sepolotiki. Kgosi Ramaribana o rile ka ntlha ya tshwaragano le popagano ya tshaba ya lefatshe leno, ke sone se palamente e dirileng molao wa gore ditswammung tse di bonwang mo lefatsheng leno di dirisiwe go tlhabolola matshelo a Batswana go sa kgathalesege gore ke ba morafe ofe. E rile Rre David Radikhukhwane a tswa la gagwe a kopa mmuso go agela batho ba motse wa Setsile sekole se sebotlana, kokelwana le go ba tsenyetsa motlakase gore ba emise go latela ditlamelo mo Mahalapye, a ba a kopa Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama go etela motse wa bone gore ba emise go mmonela kwa Mahalapye le Mokoswane kana mo ditshwantshong tsa motshikhinyego. Kwa Makwate,Shakwe,Taupye le Kudumatse marara a metse eo a boletse fa go tsena ga molelo wa kgolagano mo metsing ya bone go tlaa nonotsha popagano e ba tswang kgakala ba ntse ba tshela ka yone e bile ba bolela fa molelo oo, o tlaa ba tlogelela lesedi la sennela ruri. E rile Mme Rebonye Olaetse wa motse wa Setsile le Mme Gaone Ketumile wa Mokoswana gammogo le Rre Seema Pifelo ba bua mo boemong jwa banana, ba supa fa banana ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana letlhoko la ditiro, boimana jwa banana mo dikoleng, letlhoko la lefatshe le banana ba ka dirang dikgwebo mo go lone le tiego ya go thuswa ka mananeo a puso. Mo loetong lwa molelo oo, o o setseng o tsamaile le metse ya Makwate,Shakwe,Taupye,Setsile, Mokoswana le Kudumatse mothusa molaodi wa kgaolo ya Mahalapye Rre Feredrick Ndjavera o ne a rolela morafe molaetsa wa ga Tautona mabapi le maikaelelo a go simolodisa molelo wa kgolagano. society 9 Kereke kwa Maun e gopola batlhoki Kereke ya Corner Stone Fellowship mo Maun e supile mowa wa lorato ka go abela batlhoki ba le lekgolo ditlhako kwa kgotleng kgolo ya Batawana. Fa a aba dimpho tseo, moruti wa kereke, Rre Clifford Foroma o boletse fa ba kgonne seo ka thuso ya bakaulengwe ba bone kwa Amerika ka jaana ba rometse ditlhako tseo gore kereke e abele ba ba tlhokileng lesego. O ne a tlhalosa fa sejo sennye se sa fete molomo, a tlatsa ka go re go apesa motlhoki ke go apesa ene Modimo ka sebele mme a rotloetsa ba ba amogetseng dimpho tseo go di dirisa ka lorato. A re ba ne ba dirisanya le ba ofisi ya boipelego go ba tlhophela ba ba ka amogelang dimpho tseo. A re o dumela fa dimpho tseo di tlaa tsisa pharologanyo mo matshelong a ba ba di amogetseng. Moruti Foroma a re mongwe o ka leba mpho eo e le nnye mme mo matlhong a Modimo e kgolo. O gwetlhile gape ba ba santseng ba sena kwa ba obamang teng go inaakanya le kereke ya bone a re go molemo gore ba ipatlele sefatlhaego sa Modimo nako e sale teng. Moruti go tswa kwa Gaborone, Mme Galani Makwata a re ditlhako tseo ke mpho fela e e supang lorato le gone gore ba tshwaragane le morafe, a tlatsa ka go re ope a seka a di busa a re di dinnye kana di ditona mme a ba kopa go ya go neela ba masika. O ne a lebogela tshwaragano le tirisanyo ya ba-na-le seabe a re e re le ntswa taletso e dirilwe mo nakong e khusthwane, ba kgonne go dira dithulaganyo tsotlhe gore tiro eo e kgonagale. A re o itumedisitswe gape ke ka fa morafe o tshologetseng tiro eo ka teng, a re o dumela fa seo e le thulaganyo ya Modimo. Mongwe wa ba ba abetsweng, Rre Matin Kazapua o ne a leboga kereke eo a re o ntse a na le letlhoko la ditlhako mme ba mo namotse ka go mo abela. O akgotse maloko a kereke eo go bo ba le lorato mo setshabeng mme a ba eleletsa gore Modimo a ba okeletse mo tirong ya bone le gore kereke e gole. Mme Gaotswegope Makasu yo le ene a filweng mpho o ne a re ke thulaganyo ya Modimo gore ba bo ba tlhophilwe ntswa e se bone fela ba ba tlhokang. religion_and_belief 8 Diteseletso tsa go dirisa ditsa tlholego di mosola Molomaganya ditirelo tsa lephata la tshomarelo dikgwa le matlotlo a tlholego kwa kgaolong ya Bokone Bophirima, Rre Peter Olekantse a re go botlhokwa go tsaya diteseletso tsa go dirisa ditsatlholego ka go ka thusa Batswana go nna ka mowa wa tshomarelo le boikarabelo. Fa a bua le BOPA botsheng,Rre Olekantse o tlhalositse fa mongwe le mongwe yo o tsayang diteseletso tsa go dirisa ditsatlholego kwa lephateng la bone a fiwa dithuto le dikgakololo pele a e fiwa selo se a reng se dira gore badirisi ba ditsatlholego ba nne le boikarabelo gore dikokomane di fitlhele ditsatlholego tseo di le teng. A re diteseletso tseo tse di tswang kgakala di dirisiwa gape di thusa ba lephata la bone gore ba tseye ditshwetso tse di maleba le paakanyo molao, ka ba na le bosupi jwa gore ke bo mang ba ba dirisang ditsa tlholego dife. Rre Olekantse a re tiriso ya ditsatlholego di tshwana le Tswii, dikgong le bojang magareng ga tsone e oketsegile fela thata ka jaana batho ba dira dikgwebo ka tsone, a tlatsa ka gore diteseletso tseo di diretswe gore Batswana ba kgone go somarela ditsa tlholego e seng go kgokgontsha ope jaaka bontsi bo akanya. “Maikaelelo a lephata la rona ke go somarela ditsatlholego le go bona gore a mme di dirisiwa ka boikarabelo gore di tswele Batswana mosola, re batla gore Batswana ba tswelele ka go itshetsa ka ditsatlholego mme ba kgona seo fela ka go tsaya dikgakolo le diteseletso kwa lephateng la rona,” ga bua Rre Olekantse. O kaile fa lephata la bone le sena maikaelelo ape a go gatelela ope, a tswelela a re ba ba sa tlhaloganyeng ka ditseseletso tse ba ka tla kwa diofising tsa bone go tla go tlhalosetswa ka tsone. ‘Re dirisa methale e mentsi go gasa ka ditseletso tseo jaaka seromamowa dipampiri tsa dikgang le gone go tsamaya mo dikgotleng tse di farologaneng.Dikgoro tsa diofisi tsa rona di buletswe mongwe le mongwe yo o sa tlhaloganyeng ka ditseseletso tsa go dirisa ditsatlholego’, ga bua Rre Olekantse. O kopile Batswana ba ba sa ntseng ba sa itse ka diteseletso tseo go inaakanya le dikomiti mo metseng e e farologaneng tse di rutang ka ditsatlholego, a re dikomiti tseo tse di rotloetsang Batswana go somarela ditsatlholego, di mosola thata ka di atumeditse ditlamelo kwa bathong, batho ga ba sa tlhole ba tsamaya sekgala se se leele go ya go batla dithuso ka ditsatlholego. Re tswa kgakala re na le dikomiti tseo mo metseng, ga ke dumele gore go setse go na le bangwe ba ba sa ntseng ba sa itse sepe ka ditsatlholego, ga bua Rre Olekantse. BOKHUTLO society 9 Konokono ya bodiredi ke botho - Morupisi Moeteledipele wa bodirelapuso a re o tshwengwa ke gore badirelapuso bangwe ga ba supe botho fa ba thusa setshaba. Rre Carter Morupisi o buile se kwa phuthegong le badirelapuso ka Mosupologo kwa Bobonong, a tlhalosa fa seemo sa botho se sa tlhoke madi go baakanngwa. A re dipatlisiso di supa fa seemo sa boitshwaro mo makalaneng a puso se le kwa tlase mme seo se ka ama itsholelo ya lefatshe leno. A re o tlhaloganya gore bontsi jwa bodiredi bo lela ka dituelo tse di kwa tlase mme a re seo ga se sone se se ka dirang gore motho a seke a itshwara sentle mo tirong. Rre Morupisi a re badirelapuso ba tshwanetse go thusa setshaba ka tlotlo le lerato ebile ba tlamega go ba bolelela gore ba tlaa bona thuso e ba emetseng morago ga lebaka le le kae. O ne a supa fa a tshwenngwa ke gore setshaba ga se bolelelwe sepe ka seemo sa dithuso tse ba di tlhokang mme a kopa bodiredi go fetola seemo. Fa ama dituelo tsa bone, a re badirelapuso ba tshwanetse go tlhaloganya gore kwa ntle ga dituelo tsa kgwedi le kgwedi, puso e ba duelela ditlamelo tse dingwe jaaka madi a bogodi, madi a mesepele, botsogo gammogo le go duela bomme fa ba lemo botsetseng. Rre Morupisi a re seabe se sentsi sa madi a lefatshe leno se akolwa ke bodirelapuso jwa palo e e tshwarang 130 000. A re madi a setshaba a ngwaga ke P40 billion mme P16 Billion go ya go P20 Billion o dirisiwa mo dituelong tsa badirelapuso, mme ba tshwanetse go tlhaloganya gore ka seemo se sengwe mohiri o a bo a sena madi. O ne a supa fa puso e ka kgona go oketsa dituelo fa bodiredi bo ka fokotswa. Rre Morupisi a re kwa ntle ga kokoletso dituelo go sa ntse go na le dikgwetlho di tshwana le mabaka a tiro le go tlhoka boroko, seemo se a reng se a kgoreletsa mme puso e se etse tlhoko. Le fa go ntse jalo, a re molao o mosha o o gobokileng bodiredi o tshwanelwa ke go fetolwa, a supa fa o tsentse bodiredi bo tshwana le botsogo le barutabana mme a re seo se amile tsamaiso mo ditirong tsa bone. Fa a itebaganya le baeteledipele ba maphata, a re ba tshwanetse go rarabolola dikgotlhang mo tsa mo tirong, a tlhalosa fa a tshwenngwa ke gore dikgang dingwe ga di rarabololwe mme di felela di le kwa makgotleng a ditsheko kwa puso e latlhegelwang ke madi a mantsi teng. O gakolotse badirelapuso go iphapha mo sepolotiking, a re seo se a ba sireletsa gore ba seka ba supiwa ka menwana gore ba tsaya letlhakore. Fa ba tswa la bone badirela puso, ba ntshitse matshwenyego a go tsweelwa tshwetso ya go tlhopha mo makgotleng a sepolotiki mme ba tshwanelwa ke go tlhopha fela kwa ditlhophong tsa setshaba. Ba re ba tshwanetse go nna le seabe mo go tlhopheng baemedi ba sepolotiki go simolola ka ditlhopho tsa peo letlhokwa go ya go tsa setshaba. Mongwe wa badiredi, Rre Moses Kanjou, o supile matshwenyego ka badiredi ba ba romelwang kwa dikgaolong tse di kgakala fa ba bangwe ba akola go berekela kwa mafelong a a gaufi le ditoropo. Rre Kanjou a re seemo seo se tshwanetse go elwa tlhoko ka se kgaogantse badiredi. BOKHUTLO politics 7 Puso e tshwere ka natla - Tsogwane Tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slumber Tsogwane a re puso e tshwere ka natla gore banni ba metse e e kwa dikgaolong ba kgone go nna le itsholelo e e botoka. A re puso e dirile mananeo a a farologaneng a nyeletso lehuma, a mo go one go nang le mananeo a a farologaneng a go thusa Batswana go intsha mo lehumeng. Rre Tsogwane a re se se ka kgonagala fa maphata a a kwa dikgaolong ba ka diragatsa se se tshwanetseng sa go bona gore mananeo ao a tsamaisiwa sentle, le go bona gore ba ba dirang ka diatla ba kgona go bona mmaraka. Rre Tsogwane ne a bua jalo kwa phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Lerala bosheng. A re lephata la gagwe le itebagantse le go tlhabolola matshelo a batho. O tsweletse a re batho ba tshwanelwa ke gore ba itirele kwa magaeng, mme go ikaegilwe thata ka maphata a a kwa dikgaolong gore a thuse ka mmaraka. Mo go tse dingwe, Tona Tsogwane o ne a tsibosa banni ka molao wa bana wa 2009, a bolela fa molao oo o tlhokana le go tshwaraganelwa ke botlhe go bona gore ba sireletsegile le go bona gore a ga ba dirisiwe botlhaswa. O ne a rotloetsa banni go bona gore ngwana o sireletsegile ka nako tsotlhe le gore ba ba gatakang ditshwanelo tsa bana ba tseelwe dikgato tse di maleba. A re ngwana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go sirelediwa mo go dirisiweng botlhaswa. Rre Tsogwane a re puso e tshwentswe ke maitshwaro a banana bangwe ba ba duleng mo tseleng mme ba felela ba dira ditlhopha tse di ipitsang maina. A re ka jalo go dirilwe thulaganyo ya go kopanya banana le go ba rutuntsha ka tsa botshelo gore ba tsene mo tseleng. A re puso e tla a dira gore mo ditogamaanong go ya pele, go tlhabololwe bodiredi jwa makgotla a Setswana. A re e rile mo bosheng, ga simololwa go rekelwa makgotla a Setswana dikoloi le go tsenya maranyane a internet mo diofising tseo. O ne a itsise banni fa go tla a agiwa dikgotla tse di masome mararo mo lefatsheng lotlhe ka bophara. O ne gape a lebogela ipaakanyetso ya boipuso kwa motseng wa Lerala, a bolela fa boipuso jwa ngwaga ono e le jo bo pharologanyo, ka go tla a bo go ipelelwa dingwaga tse di masome a matlhano lefatshe leno le ntse le ipusa ka kagiso. E ne e rile go le pele, Kgosi Sello Moroka wa motse wa Lerala, a kopa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae go tlhabolola bodiredi jwa makgotla a Setswana, ka go ba isa dithutong tse di farologaneng fela jaaka ba maphata a mangwe. A re dithuto tseo di ka dira gore makgotla a Setswana a dire go feta jaaka a dira. A re bogosi le jone bo tshwanetse bo tlhabololwe ka dithuto tse di maleba, ka go dira le maphata a a farologaneng. Kgosi Moroka o ne a lebogela puso go bo e tsweletse ka go tlotla bogosi. O tsweletse a itsise Tona Tsogwane fa morafe wa gagwe o gatetse pele ka dipaakanyetso tsa boipuso jwa ngwaga ono jwa dingwaga tse di masome a matlhano. Tona wa ditsha le matlo, Rre Prince Maele o ne a bolela fa go na le selelo mo makgotleng a Setswana sa gore lephata la dikgaolo le tlhabololo magae ga le lebe makgotla a Setswana jaaka maphata a mangwe a a mo lephateng leo. A re gangwe le gape ba tlhoka dilo tse di farologaneng ka jalo o ne a kopa tona go tsenya leitlho thata mo makgotleng a Setswana ka go nna go na le dilelo ka nako tsa diphuthego tsa kgotla. economy_business_and_finance 3 Thekiso ya lefatshe e a tshwenya E re le ntswa lephata la kabo ditsha le tshwere phage ka mangana mabapi le go baya Batswana ditsha mo dikgaolong ka go farologana, go na le matshwenyego a gore bangwe ba tsweletse ka go rekisa lefatshe. E rile Mopalamente wa Mogoditshane, Rre Patrick Masimolole a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Ledumadumane, a supa fa puso e sa itumedisiwe ke tsela e Batswana ba rekisang ditsha ka yone. A re dikopo tsa ditsha di di ntsi mo lephateng la kabo ditsha mme e a re batho ba sena go bewa ditsha ba bo ba bowa ba di rekisa mme morago ba ipoeletse go kopa tse dingwe. Rre Masimolole a re mathata a a amile thata kgaolo ya Mogoditshane ka jaana batho ba rekisa ditsha gore ba reke dikoloi mme kwa bofelong e nne matlhotlhapelo. O ne a bolelela baagi ba motse gore koloi ga se selo se motho a ka beeletsang mo go sone ka jaana e kgona go senyega mme ntlo yone motho o ka hirisa gore a kgone go itshetsa. O ne a ba kopa go emisa selo se ka jaana Batswana ba tsweletse ka go amogiwa lefatshe mme bone e nna bakopi morago ga thekiso. Rre Masimolole a re sengwe sa ditlamorago ke gore motho a bo a simolola go lwela boswa le bo monnawe ntswa a ne a filwe setsha mme a se rekisa go itumedisa pelo ka nako eo. A re le ntswa palo ya batho e tsweletse ka go oketsega lefatshe lone ga le gole me ka moo Batswana ba tshwanetse ba somarela lefatshe la bone. E rile Rre Kemiso Tlhong a mo kgwa dikgaba, a supa fa dikgang tsa lefatshe di ba tshwentse fela thata mme a kopa ba gagabo go emisa kgang eo. A re lefatshe le tlhokometswe ka botswerere mathata a ba nang le one ke go latlhelwa ga matlakala mo motseng wa bone mme selo se se dirwa bosigo ke batho ba ba tswang go sele. O ne a kopa khansele go ema ka dinao go tseela batho ba ba ntseng jalo dikgato go emisa go gasagasa matlakala. Morafe wa motse o ne wa supa fa kgang e e tshwanetse ya emelwa ka dinao gore ba seka ba iphitlhela ba iphotlhere, ditsha tsa bone di tsamaile. Bokhutlo politics 7 Phepafatso ya metse e na le maduo Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo mo kgotleng ya Lekgwapheng kwa Molepolole, Rre Molathedi Morwaang, o kopile banni ba kgotlana e go phepafatsa malwapa a bone le tikologo ka se se ka ba tswela mosola mo go fenyeng dikgaisano tsa kgotlana e e phepa. E rile a bua mo potsolosong bosheng, Rre Morwaang a supa fa kgotla ya bone e tumile thata mo motseng mme ka jalo a kopa gore phephafatso ya kgotlana e e simolole fela kwa malwapeng. O ne a tlhalosa fa lekalana la Green Scorpion le leka ka bojotlhe gore beke le beke ba bolotse letsholo la go sela matlakala a a gasameng le kgotla ya bone. Mothusa modulasetilo a re se se bakang gore batho ba latlhele matlakala gongwe le gongwe ke ka gore ga ba ise ba tsibogele gore khansele ya bone e phutholotse letsogo gore e ba tseele matlakala mo metseng ya bone. A re mo kgotleng ya Lekgwapheng go santse go na le bangwe ba banni ba ba santseng ba ruela leruo la bone mo malwapeng le tshwana le dihutshane. Leruo le o tlhalosa fa le na le seabe mo go tlatseng leswe tikologo mme a rotloetsa gore banni ba fudusetse leruo la bone ko masimo ko le tla tlhokomelesegang sentle teng. A re fa leruo le nna mo metseng fa ba le tlogela le ya kwa ditseleng mme le bake dikotsi tsa dikoloi mo ditseleng. Mo godimo ga moo a re khansele fa e tlhatlhoba kgaolo e e phepa ba lebelela dilo tse di tswanang le mekgwatha, masaka a leruiwa le matlotla. A re o eletsa thata fa banni ba kgotla ya gagwe ba ka kgaola ditlhare tse di mo malwapeng a bone gore go sale go kgatlhisa. Go tlaleletsa mafoko a gagwe mongwe wa leloko la komiti ya dithabololo, Mme Kutlwano Motsumi, a re ka ngwaga wa 2014 ba ne ba seka ba dira sentle mo dikgaisanong tsa bophepa. O solofela fa mo ngwageng ono ba tlaa dira botoka fela thata fa esale ba simolola go ipaakanyetsa dikgaisano tse. Mme Motsumi a re banni ga ba tsibogele go phepafatsa tikologo ya metse ya bone jaaka mo mekgwatheng. A re se ga se a tshwanela go nna tiro ya puso. Mekgwatha e, banni ba tsaya matlakala ba latlhela teng boemong jwa gore ba a beye sentle gore ba khansele ba tle ba a tseye. O tlhalositse gore fa banni ba ka reka ditanka mme ba ne ba latlhela matlakala mo teng ba ka ba direla tiro motlhofo. O ne a tswelela a kopa setshaba ka kakaretso go emisa go tshuba matlakala mo metseng ya bone a re se ebile ke molato o motho a ka o duedisiwang. society 9 Lekgotla la baruti le bulela kgwedi ya merapelo  Lekgotla la baruti go tswa kwa Letlhakeng mo kgaolong ya Kweneng, le ne le kopanye le morafe wa Khekhenye le ofisi e e itebagantseng le bolwetse jwa HIV/AIDS go tswa motseng oo, go bula kgwedi ya merapelo ya bolwetse jwa HIV/AIDS. Fa a rola maikaelelo a letsatsi, molaodi wa kgaolo-potlana ya Letlhakeng, Mme Ikgopoleng Lekoape, o supile fa e le go rotloetsa babereki go nna podi matseba ka bolwetse jwa AIDS le go amogela maiteko a a dirilweng ke puso go lwantsha bolwetse jo. Mme Lekoape o supile fa moono e le go fedisa bolwetse jo, a bo a tlhalosa fa go na le malwetse a a borai a a sa tshelanweng, mme a kopa Batswana go a tsibogela. Fa a ntsha mafoko a kgothatso, modulasetilo wa lekgotla la baruti kwa Letlhakeng e bile e le moruti kwa kerekeng ya Eloyi, Moruti Karabo Lekula, o tlhalositse fa Modimo a seke a fetoga, a bo a supa gore motho yo a senang Modimo ga a na boitumelo, o tsofala ka bonako ka jaana a nna ka kutlobotlhoko. O kopile morafe wa Khekhenye go boela kwa Modimong ka jaana kwa ntle ga gagwe ga go sepe se ba ka se kgonang. Moruti o tlhalositse fa bolwetse jwa kgotlholo e tona bo kile jwa bo bo sa alafesege, fa mo nakong ya gompieno bo na le kalafi. O ne a tlhalosa fa go sa pale sepe gore malwetse aa sa alafesegeng a nne le kalafi. Baruti ka go farologana ba ne ba nna le sebaka sa go rapelela malwetse, dikotsi tsa dikoloi, dipolaano tsa baratani, pula, bana, boipuso, le ditlhopho tsa monongwanga. health 6 Dinonyane di botlhokwa Mogolwane mo lekalaneng le le ikemetseng la Birdlife Botswana o kgothaditse barutabana go lemoga boleng le go tlhokomela dinonyane gore di seka tsa nyelela. Mme Tania Monggae o buile se mo thutopuisanyong e lekalana le neng le e rulagantse kwa sekoleng se sebotlana sa Boribamo kwa Molepolole ka Labotlhano (20/02/2015). O kgothaditse barutabana go rotloetsa bana ba dikole go tsena mokgatlho o o itebagantseng le tsa tikologo kwa a tlhalositseng e le gone kwa ba ka ithutang sentle ka tlhokomelo ya tikologo ga mmogo le dinonyane. A re go tlhokomela dinonyane go ka fa Botswana sebaka sa go tswakanya itsholelo ka bojanala jwa tsone. “Re itebagantse segolo bogolo le go tlhokomela dinonyane tse di gomagomediwang ke go nyelela,” a tlatsa. Mme Monggae a re dinonyane di tshwana le kgori, e e leng yone nonyane ya setshaba le lenong, di gomagomediwa ke go nyelela. O boletse fa kgori e nyelediwa ke gore magodu a diphologolo a gweba ka yone kwa mafatsheng a sele mme ba tsaya mae a yone gore a ye go thubela koo ka go le thata gore baka tlola molelwane ka yone, selo se a reng se itsa nonyane e go ata, mme a re lenong lone le nyelediwa ke gore one magodu a le barui, ba a tsenyetsa botlhole mo diphologolong tse di suleng. O kopile barui go emisa go dirisa botlhole ka bo nyeletsa manong mme a akgolela ba lephata la temo-thuo go bo ba simolodisitse tiriso ya segootsane go koba thaga e e tshwenyang balemi, mo boemong jwa go e bolaya ka botlhole jaaka fa go ne go dirwa pele. E rile atswa la gagwe, moeteledipele wa mokgatlho o o itebagantse le thuto ka tsa tikologo, Rre Godiraone Batlhalefi a tlhalosa fa mokgatlho oo, o itebagantse le tikologo ka kakaretso, matlwana a boitiketso le one mabala a bana ba a dirisang tota. A re tikologo e e sa tlhokomelesegeng e bile e le makgwakgwa e ka gobatsa bana ka ditsela tse di farologaneng mme a tlatsa ka go re go botlhokwa gore ba feme dikgobalo pele ga di diragala. Rre Batlhalefi a re mokgatlho o ga o a itebaganya fela le bana ba dikole mme o tsenya le batsadi mo teng gore le bone ba itse mosola wa go tlhokomela tikologo ya dikole le ya bone tota. Rre Batlhalefi o ne a wetsa ka go re ka lebaka la go tlhoka kitso, barui bangwe ba ne ba atle ba siele loruo metsi a setshaba. A re le fa bangwe ba sa ntse ba dira jalo, selo se se beile Botswana ka fa mosing ka jaana a lebaganwe ke kgwetlho ya go tlhoka metsi mo dikgaolong dingwe. O rotloeditse barutabana go ititaya ka thupana mo go ruteng bana ka botlhokwa jwa go tlhokomela tikologo e le ene a reng e na le thata ya go tswakanya itsholelo ya lefatshe. BOKHUTLO education 4 Mapodisi a Ramatlabama a tshegeditse mmelaelwa Mookamela mapodisi kwa Ramatlabama, Superintendent Tendai Mojumi, a re ba tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa yo o belaelwang mabapi le loso lwa monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le boraro yo o fitlhetsweng a tlhokafetse mo thoko ga tsela kwa motseng wa Ngwatsau. Mo potsolotsong le ba lekalana la dikgang la BOPA, Superintendent Mojumi a re mmelaelwa o tlholega kwa motseng wa Sheepfarm fa moswi a tlholega kwa Ngwatsau. O tlhalositse fa ba begetswe ka tiragalo eo kgwedi eno e tlhola lesome le motso ke bafeti le tsela mme moswi a fitlhetswe ka dikgobalo tse di masisi mo tlhogong mme a ragogedisiwa kwa kokelong e potlana ya Good Hope go tlhatlhobiwa ke dingaka kwa ba fetileng ba rurufatsa fa a tlhokafetse. A re mmelaelwa go supagala e le ene motho wa bofelo go bonwa a na le moswi ka jaana go tlhalosiwa fa bobedi joo bo ne jwa tlhoka kutlwisisano ka nako ya fa ba itisitse kwa marekisetsong a bojalwa. Superintendent Mojumi a re mmelaelwa o setse a itshupile fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata. E re dikgang di eme jalo, Superintandant Mojumi a re ba tlhotlhomisa tiragalo e nngwe e mo go yone go fitlhetsweng lesea le le neng le sa tswa go belegwa le phuagantswe. A re ba begetswe tiragalo eo ke batho ba ba selang matlakala mo motseng morago ga go hupediwa ke monko o o sa tlwaelesegang. A re lesea leo, le ne la isiwa kwa kokelo potlaneng ya Good Hope kwa ba rurifaditseng fa le tlhokafetse. Superintendent Mojumi o ikuela mo setshabeng go ba thusa go ba batlisa mma lesea leo. E ntse e le dikgang tsa kgaolo ya Good Hope-Mabule, mothusa mookamela mapodisi a Phitshane Molopo, Assistant Superintendent Benjamin Modimoosi, a re ba tlhotlhomisa kotsi ya koloi ya ba sesole e e pitikologileng mo tseleng fa ga re ga metse ya Mabule le Leporung. A re koloi eo, e ne ya thunya leotwana mme ya latlhegelwa ke taolo e bo e pitokologa. Assistant Superintendent Modimooosi, a re koloi eo, e ne e pegile bapalami ba le batlhano ba ka lesego ba falotseng kwa ntle ga dikgobalo. crime_law_and_justice 1 Ba Letswapo ba a laolesega Ntswa banni ba motse wa Lecheng le Malaka kwa kgaolong ya Lerala/Maunatlala ba sekegela tsebe ditlhagiso tsa puso mabapi le mogare wa corona, Kgosi Prince Obuseng wa Lecheng a re o tshwenngwa ke batho ba ba tswang kwa ntle ga Lecheng ba ba tlang go itlosa bodutu ka bontsi fa lecheng le le mo motseng. Kgosi Obuseng o buile jaana mo potsolotsong le BOPA ka Labobedi. A re ntswa banni ba iphapha le gone go fokotsa mesepele, bogolo jang go ya kwa Palapye kwa ba tsayang ditlamelo ka bontsi teng, o ne a makadiwa ke go utlwa pego gore go ne go na le thologelo ya batho fa lecheng le le mo motseng ka mafelo a beke. Lefelo le, le ngoka batho ka le nna le tswela metsi, batho ba le etela go itlosa bodutu. Kgosi a re banni ba Palapye ba tshologela kwa Lecha ka bontsi ka mafelo a beke go tla go itlosa bodutu, selo se a reng se a tshwenya mo nakong ya gompieno e go nang le seemo sa botsogo. A re ga a kake a letlelela tiragalo eo lekgetho la bobedi, e bile o setse a kopanye le badiragatsa molao go ipapanela go tla go kgalema fa tiragalo eo e ka boelela. Kgosi o ne a re go tlhabisa ditlhong e bile go ngomola pelo gore e re mokgosi o kuilwe, batho bangwe ba bo ba o itlhokomolosa, a re dikgang tsa kanamo ya mogare ke tsa mongwe le mongwe ga se tsa puso e le yosi. Kgosi a re fa setshaba se sa eme puso nokeng ka boammaaruri ga go na sepe se se ka kgonagalang, a kgothatsa gore mongwe le mongwe a tsee boikarabelo le go dira tse di maleba mo go tsenyeng letsogo go lwantsha mogare oo ka maatlametlo. A re tiragalo eo ya mafelo a beke e tlogetsa motse wa bone o sa lebege ke matlakala a meteme le dikhakha. O ne a re lefelo leo bone e le ba Lecheng ba le tsaya e le lefelo le le faphegileng e bile le tlotlegile. A re morago ga boikuelo jwa puso, mongwe le mongwe o ikemetse ka dinao go lwantsha seru se se wetseng lefatshe leno. O ne a supa fa madirelo a a mo motseng wa gagwe a tsibogela dikgang tseo ka go tshela bareki metsi a a bolayang megare mo diatleng fa ba tsena mo madirelong a bone. “Banni ba Lecheng ke batho ba ba utlwang le go obamela melaetsa e ba e neelwang, segolo jang e e amang botsogo,” Kgosi Obuseng a akgola morafe. Kwa Malaka gone ba dikgang ba ne ba kopana le mooki gone koo go lekola seemo sa ka fa ba itshireletsang ka teng. Go gorogeng koo ba ne ba kgatlhantshiwa ke dikupu tsa metsi a a nang le molora le a a itshokotsang pele ga motho a fetela kwa go itekodiseng. Mme Kelebogile Bakgomogi le modiri ka ene ba ne ba tlhalosa fa ba dira gotlhe mo ba go kgonang go ruta setshaba ka fa mogare o o leng diphatsa ka teng le gone go ba rotloetsa thata go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa. Mme Bakgomogi a re seo e setse e le tlwaelo ya go tlhapa diatla ka ba ntse ba ne ba setse ba rutuntshitswe ka go tlhapa diatla nako le nako morago ga go dirisa matlwana a boitiketso. Ba madirelo a boroko le dijo a MLK, gone kwa Malaka ba ne ba supa fa barotloediwa thata ke bajanala ba ba tlang go bona motse le ditso tsa Malaka, mme mo nakong eno kgwebo e wetse tlase ka melelwane e tswetswe. Mo motseng go ne go le thitibalo, mo mekgwatheng go ne go bonala batho fale le fale, bontsi go lebega ba le kwa masimo le mo malapeng. health 6 Banana ba tla a tsamaisa kitsong centre Tona wa dipalamo le ditlhaeletsano, Rre Tshenolo Mabeo, a re morago ga go lemoga fa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse e go tlhomilweng maranyane a Nteletsa II (kitsong centre) di ne di sa kgone go dirisa maranyane ao, ba ne ba bona go tshwanela go abela mafelo ao banana ba metse eo go a itirisetsa go dira dikgwebo go thusa go tlhamela banana ba bangwe ditiro. Tona Mabeo o ne a araba banni ba mGoshwe mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo ka Labone ba ba neng ba supile fa lefelo leo le sa bereke le ditsholofetso tse ba neng ba di beilwe fa le tlhomiwa di sa diragale. Mogolwane mwa BTCL, Rre Gabalemoge Rankgate, o boletse fa banana ba ba nnileng lesego mo go ikopeleng go tsamaisa lefelo leo ba isiwa dithutong tsa go dirisa maranyane ao mme ba solofetse gore ka kgwedi ya Phukwi lefelo leo le bo le butswe le kgona go thusa setshaba. Rre Rankgate o ile a tlhalosetsa banni bao gore ba ka kgona go gokela megala ya ditlhaeletsano mo malwapeng a bone le diofisi tsa puso ka maranyane a teng ga a tlhoke go gokela dipale. Se se tla morago ga gore Kgosi Buyendasi Mbenga a supe fa ba sa kgone go golagana kana go tlhaeletsanya le ba bangwe ka go sa gokelwa dipale tsa mesokelatsebeng fela fa e se go dirisa megala ya letheka ya bone le mo tirong ya puso tota. Mo dikgang tse dingwe, batho ba motse oo ba ne ba lela ka tsela ba re e lekgarapana ebile e setse e ba kobela bodiredi. Ba re le go e gopa go a e senya ka nako ya dipula e setse e fetogile molapo, ba kopa gore puso e potlakele tsela eo ka ba tswa kgakala ba lela ka yone. Gape ba ne ba kopa go agelwa metshelakgabo mo dinokaneng tse di mo motseng le go direlwa borogo jwa dikgomo. Fa araba matshwenyego a bone, Tona Mabeo o ne a bolela fa tsela ya Goshwe e seyo mo thulaganyong ya gore e ka dirwa. A re seo ga se reye gore e kgaphetswe fa thoko mme a ba solofetsa gore motlhang ditsompelo tsa go e dira di ka bonalang, e tla dirwa mme e seng mo nako ya gompieno. O ile a bolela fa metshelakgabo e ba ikopileng e tla dirwa mo nakong e e sa fediseng pelo ka ebile le ikopelo tiro ya go e dira e setse e dule. Tona Mabeo o ne gape a lekodisa batsena phuthego eo ka mananeo a maphata a gagwe, a re maikaelelo a phuthego ya gagwe e ne e le go tla go lekola setshaba go tsaya megopolo mo go sone gore ba kgone go tokafatsa ditirelo tse ba di fang batho. A re ka megopolo le dikgakololo tsa batho, ba ka kgona go tokafatsa ka fa ba dirang dilo ka teng mme ba ntshe maduo a a tla kgotsofatsang setshaba. BOKHUTLO politics 7 Ketumile o galaletsa nyeletso lehuma Batswana ba tsweletse ka go akola mananeo a puso a go nyeletsa lehuma. Mananeo ao a akaretsa go dira moriri, go apaya borotho, go roka, go rua dihutshane le go rua dikoko. Mme Kebonang Ketumile ke mongwe wa Batswana ba ba reng lehuma ke selo sa maloba mo go bone fa e sale ba thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma ka 2014 ka kgwedi ya Ngwanaatsele. Mme Ketumile yo o tlholegang kwa Kanye o tlhalositse fa a thusitswe ka didirisiwa tsotlhe le ditsompelo tsotlhe tsa go tsamaisa kgwebo ya go dira moriri. A re dithuto tse di botlhokwa fela thata ka di ne tsa oketsa kitso ya gagwe ya go dira moriri. O buile fa e sale a simolola go dira moriri ka ngwaga wa 1999 fa a fetsa mophato wa boraro kwa sekoleng se segolwane sa Ngwaketse. A re kgwebo ya gagwe e dira sentle fela thata ka wa mariga molelo o a o ora le bana ba gagwe. O tlhalositse fa a dirisa dipoelo go tlhokomela bana ba gagwe, go ba duelela kwa sekoleng mme o boloka a a salang. Mme Ketumile yo o dingwaga di masome mararo le boraro o tlhalositse fa lenaneo le le tokafaditse botshelo jwa gagwe fela thata ka gompieno o na le seriti. economy_business_and_finance 3 'Tshwaraganelang thuto' Mongwe wa bagwebi ba ba tumileng kwa Mahalapye, Rre Akshay Dave, a re ere ka thuto ele konokono ya botshelo, motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le seabe mo go tshwaraganeleng tsamaiso ya thuto le mmuso. Rre Dave o buile mafoko a kwa moletlong o mo go one a neng a abela sekole sa bananyana sa St Patrick Day Care Centre di dirisiwa tse di akaretsang sebalamakgolo, metako le tse dingwe tse bana ba tla itlosang bodutu ka tsone fa ba tsweletse le dithuto. A re bagwebi ba lefatshe leno gammogo le Batswana ka bongwe ka bongwe ba tshwanetse go thusana le mmuso go tshwaraganela tsamaiso ya thuto ka ele yone konokono mo botshelong e bile ele yone e kgonang go ntsha barutegi ba ba ka etelelang lefatshe pele jaaka tautona le matona a puso. Rre Dave o boletse fa gole botlhokwa go abela dikole tsa bananyana di dirisiwa tsa metshameko ka dikgona go ba thusa go itshidila mebele mo go ka ba sireletsang mo go tsenweng ke malwetse. Modulasetilo wa kereke ya Roma Rre Matlhogonolo Rathedi o boletse fa dimpho tse bana ba kereke ya gagwe ba di abetsweng ke Rre Dave ele tsela nngwe ya letshego la tebelopele ya vision 2016 ya tshaba e kutlwelobotlhoko, tshaba e rutegileng e bile e kgatlhala ka matshelo a batho ba bangwe. E rile mogokgo wa sekole seo mmaetsho Girly Disho a tswa la gagwe a lebogela dimpho tseo ka jaana di tla tlhotheletsa bananyana ba sekole seo go nna le kgatlhego mo metshamekong gammogo le go ithuta go dirisa dibalamakgolo pele ga ba fetela kwa dikoleng tse dipotlana. Mme Disho o kgaletse batsadi ba bana ba ba tsenang mo sekoleng seo go palelwa ke go tsena moletlo oo, ntswale bane ba laleditswe. A re go maswabi go bona batsadi ba sena kgatlhego mo thutong ya bana le mororo thuto ele boswa jo motho a ka sekang a bo amogwa ke ope go fitlha a tsena ka lebitla. BOKHUTLO education 4 Holland o kopa balemi go tlhokomela dijwalo Mothusa Kgosi wa Mmadinare, Kgosi Galeage Holland, o kgothaditse balemi go tsaya temo ka tlhwaafalo. A re balemi ba tshwanetse go tlhokomela dijwalo gore ba tle ba bone thobo e e botoka. Kgosi Holland o ne a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Mmadinare e bile e le mothusa tona wa lephata la go neela banana dithata, metshameko le ngwao, Rre Kefentse Mzwinila. Kgosi Holland a re 2017 o monamagadi ka jaana pula e tsweletse ka go na lefatshe ka bophara. O ne a kgothatsa ba ba iseng ba leme go dira jalo gore ba se ka ba salela kwa morago, mme a rotloetsa ba ba setseng ba beile ditema go tlhokomela dijwalo ka go di tlhagolela di sale dipotlana gore ba tle ba bone thobo. Kgosi Holland o ne a ba rotloetsa gore e re morago ga go roba ba tle go supa thobo kwa kgotleng go leboga Modimo. Mo go tse dingwe, Rre Holland o ne a kopa batsadi go tsaya boikarabelo jwa go kgalemela bana, a tlhalosa fa e rile ngogola ba nna le dikgang tse dintsi tsa go tlhoka tsebe ga banana. Kgosi Holland a re tsholofelo ya gagwe ke gore e le ba bogosi ba ka kgona go fetola boitshwaro jwa banana ba Mmadinare ka go thusana le morafe. E ntse e le kwa phuthegong, modulasetilo wa dikomiti tsa motse, Rre Motshegetsi Tukisi o ne a re ba itumelela ditlhabololo tse di dirilweng mo dikolong tse di kgolwane tsa Makome le Merementsi. A re le go ntse jalo, go na le tse di santseng di tlhoka go tsibogelwa jaaka ditswalo tse di jelweng ke motlhwa le mehubu ya tsone. Rre Tukisi o tsweletse a re banni ba kgotla ya Matabi le Manga ba beilwe setsha sa mabitla se ba sa bolong go lela ka sone mme a ba rotloetsa go se tlhabolola le go se agelela. Rre Tukisia re le fa ba lebogela ditlhabololo mo motseng, ba santse ba na le letlhoko la ntlo ya borutelo kwa sekoleng se sebotlana sa St Peter ka se na le bana ba ba-na-le bogole. Mokhanselara wa Mmadinare-Robelela, Rre Sylvester Masweu o ne a rotloetsa banana go dirisa mananeo a ba a tlhametsweng go fokotsa letlhoko la ditiro. Rre Masweu a re puso e itlamile go tsosolosa itsholelo ya Selebi Phikwe ka go ngoka dikompone tse di ikemetseng go tla go bula madirelo a a tlaa kgonang go thapa batho ba le bantsi go fokotsa manokonoko a letlhoko la ditiro. Rre Masweu a re banana ba metse e e dikologileng Selebi Phikwe ba tshwanetse go nna ba le malala a laotswe gore e re dikompone di simolola go thapa e bo ba ka iponela mebereko. BOPA society 9 Diphatlha ga di ikopelwe Tona wa ditsha le matlo, Rre Prince Maele, a re diphatlha tse di mo gare ga metse ga di ikopelwe. O ne a itsise banni kwa metseng ya kgaolo ya Lerala/Maunatlala mo phuthegong ya kgotla fa lephata la gagwe le emisitse kgang ya go ikopelwa ga ditsha mo diphatlheng tse di fa gare ga motse. A re lekgotla la kabo ditsha le ka a fa moikopedi wa setsha se se fa gare ga motse fa go na le mabaka tota a a tlamang gore moikopedi a ka se fiwa a tshwana le a botsogo mme go sekasekilwe. Rre Maele o ne a bolela fa diphatlha dingwe tse di fa gare ga motse di tlaa seke di dirwe ditsha mme di tlaa dirwa fa bana ba ka tshamekelang teng kana fa go ka dirwang lefelo la marekisetso. A re fa ba kabo ditsha ba ka aba setsha sengwe mo diphatlheng tse di fa gare ga motse go sena mabaka a a patikang se tlaa abelwa ba ba mo moleng wa go abelwa ditsha. Rre Maele o ne a bua jalo a tsibogela dikakgelo tsa bangwe ba banni ba kgaolo ya gagwe. Ba ne ba bolela fa ba sale ba ikopetse diphatlha dingwe mo gare ga motse mme ba kabo ditsha ba sa tsibogele go di ba abela. Banni ba ne gape ba kopa puso go sekaseka gore a kgang ya gore Motswana mongwe le mongwe a lebanwe ke setsha se le sengwe e ka se fetolwe. Ba kopile puso go sekaseka gore a Batswana ba ka seke ba letlelelwe go nna le setsha se le sengwe kwa magaeng le se le sengwe kwa toropong. Rre Maele o ne a solofetsa banni fa go tla a sekasekiwa molao wa go nna le setsha se le sengwe ka Batswana ba le bantsi ba ikuela mo go yone gore e fetolwe. A re Batswana bangwe le bone ba ne ba kopa puso gore bogolo e lebalebe gore a Motswana a le mongwe a ka seke a abelwe setsha se le sengwe kwa toropong le se le sengwe kwa magaeng mme le yone kgang eo e tlaa sekasekiwa. Mo go tse dingwe Rre Maele o ne a lebogela tirisano e ntle ya makhanselara a kgaolo ya gagwe. O ne a ba rotloetsa go tshwaragana gore banni ba bone ditirelo society 9 Gender Affairs e rutuntsha ba nNyeletso lehuma E rile bosheng le lekalana la Gender Affairs kwa Serowe la bo le tshwere thuto puisano kwa Palapye go tlhatlhelela ba ba filweng ditante tsa manyalo tsa nyeletso lehuma. Go ya ka Mme Baleseng Marumo yo e leng mothusi wa nyeletso lehuma kwa Gender Affairs, ithutuntsho e, e ne e tsenwe ke batho ba le masome a mararo le bosupa go tswa kwa Palapye le dikgaolo tse di mabapi di akaretsa Lecheng, Lerala, Malaka, Goo-tau, Mogapi le Mogapinyana. Fa a ba ema ka lefoko, Rre David Nkomo yo o dirang le monana yo mongwe Mme Lebang Koloi yo o filweng tante ka 2013, a re ba tshwere ditante tsa bone sentle e bile ba netefatsa gore di nna di le phepa ka dinako tsotlhe. A re go na le dikgwetlho mo kgwebong ya ditante fa go tla mo dituelong, jalo o ba gakolotse gore ba seka ba nna ba tlogela madi kwa morago e bile ba dire ditumelano ka mokwalo go itsa dikgogakgogano le bareki. Rre Nkomo o tsweletse ka gore ba lebale bosika le botsala mo kgwebong, ka jalo ba beye ditlhwatlhwa tse di maleba ba itse fa ba filwe ditante tse gore ba itshetse. O ba rotloeditse go nna ba bapile le megala ka dinako tsotlhe gore ba seka ba fetwa ke kgwebo, a bo a ba kgothatsa gore ba ithaope mo dikerekeng go dira mekgabisa gore ba seka ba lebala dithuto tse ba di anyileng mo thuto puisanong e. Mme Neo Lepokane, yo o direlang kwa Gender Affairs a re boitsholo jwa motho ke selo se se botlhokwa mo kgwebong, ka jalo o ba rotloeditse gore ba emelelane le diemo ka go nna pelotelele, go supa lorato, go buisa batho sentle le go nna boikobo. O ba gakolotse go nna le dibuka tse di rurifatsang dituelo le gore ba direle dikgwebo tsa bone maina ba bo ba di kwadise ka fa molaong. A re go kwadisa dikgwebo mo, ga go duelelwe lekgetho kwa BURS ka e santse e le bagwebi ba ba botlana. A re o eletsa gore ba gole mo kgwebong e bile ba tswe ka megopolo e e farologaneng ya kgwebo e e tsamaisanang le ya ditante e e ka ba tsenyetsang madi nako ya ditante di sa hirisiwe le gore ba itshwaraganye le batho ba ba tsweletseng mo dikgwebong ka dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe. Mongwe wa barutuntshi, Mme Seabotseng Plots wa Radisele yo o filweng tante ngwaga o o fetileng, o boletse fa kgwebo e, e tokafaditse botshelo jwa gagwe thata ka a sa bereke a beile fela mo go yone. A re kgwebo ya gagwe e kgona go duelela bana ba gagwe kwa sekolong, go ba rekela dijo le diaparo e bile a kgona go ya go boloka madi kwa bankeng jaaka mongwe le mongwe. A re mo bogautshwaneng o tlaa bo a bula marekisetso a dino kwa Radisele ka dipoelo tsa madi a tante. Monana yo mongwe go tswa Maunatlala, yo e leng gone a fiwang tante Rre Kabo Kgwadi a re o bone go le botlhokwa go tsaya tante mo mananeong a nyeletso lehuma, ka a ne a bona semausu se a neng a na le keletso mo go sone se ka mo tsenya dingalo ka dikgwetlho tse dintsi. O boletse fa dithuto tse di mo tswetse mosola fela thata. BOKHUTLO education 4 Banana ba Sedie ba kgaratlhela bana ba ba tlhokileng lesego Maun ba intshitse setlhabelo go nna ditsebe le melomo ya bana ba sekole ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Rre Prince Khango le Mme Refilwe Mogorosi ba ithaopile go tsamaya mo kgaolong ya Nhabe ba kopela bana ba dikole mesangwana ya basetsanyana. Fa a bua mo potsolosong le O tlhalositse fa ba ikaelela go ralala Maun ba kopa dithuso go abela bana ba sekole se segolwane sa Sedie kgwedi e e tlang. O ne a tlatsa ka go re e tlaa re morago dithuso tseo di atolosediwe kwa dikoleng tse dingwe. “Re ikaelela gore tiro e ya go abela bana mesangwana, re e dire ngwaga le ngwaga mo dikoleng tse di farologanyeng mo Maun, go fa bana ba basetsana seriti le go ba ruta gape gore ba ka tlhokomela jang mebele ya bone,” ga tlhalosa Rre Khango. A re ba kopile Kgosi Judith Sedumedi wa Sedie go nna sebui sa letsatsi fa ba tlaa bo ba simolola tiro ya bone ya bobelotlhomogi. “Ke leboga batho ba Maun thata ka gore e rile re ba rekisetsa mogopolo o, ba o tsibogela le go e amogela ka diatla tsoo-pedi. “Ke setse ke tsene mo bagwebing le baeteledipele ba ba farologanyeng mme ba atla mogopolo le go solofetsa gore ba tlaa thusa,” a tlhalosa jalo. Mme Mogorosi o kopile banana ka ene go nna sekao mo bontsing ka go ithaopa ka gore ka seo ba ka lemoga ba ba tlhokileng lesego mme ba ba thuse. “Puso ga e kake ya kgona e le nosi go thusa ba ba tlhokileng lesego, ka jalo rona banana ba re setseng re ikutlwa re tshwanetse ra tla ka megopolo ya go thusa puso,” ga tlhalosa mme Mogorosi. A re bone ba ne ba bona fa setshwarwa ke ntsa pedi se se thata, ka jalo ba ikopanya gore ba thuse ba ba tlhokileng lesego. Bokhutlo health 6 Tshwaragano ke yone tsela mo kgodisong ya mosetsana Kgosi Kgolo wa Balete, Kgosi Mosadi, a re tshwaragano ya setshaba e ka thusa go tla ka mananeo go tlhabolola ngwana wa mosetsana. Kgosi Mosadi o buile se ka moletlo wa go ipelela letsatsi la mafatshe-fatshe la ngwana wa mosetsana le go simolodisa semmuso komiti ya bong ya kgaolo ya Kweneng. O tlhalositse gore go rotloetsa popagano ya setshaba go ka aga malwapa a a nang le bokao go thusa go godisa ngwana wa mosetsana. Kgosi kgolo a re ke tshwanelo ya malwapa go godisa ngwana wa mosetsana ka a tshabelelwa ke dikgwetlho tsa botshelo. “A re tseyeng tsia dikgang tse ka di thusa go sekaseka seemo sa matshelo a ngwana wa mosetsana ka go thusa go bopa ditsamaiso tse di ka re thusang go tokafatsa seemo sa kgodiso ya ngwana wa mosetsana”, ga gakolola Kgosi Mosadi. Kgosi Mosadi o gateletse botlhokwa jwa go lwantsha kgethololo ee bakwang ke tsa setso, ka go rotloetsa ngwana wa mosetsana go dira ka bokgoni jwa gagwe e seng se se batlwang ke tikologo e a tshelelang mo go yone. E rile a bua mo boemong jwa ngwana wa mosetsana, Mme Julia Mosikari a bolela fa ngwana wa mosetsana e le ene a dirang boikgethelo ka se a eletsang go se tshela. “Boikgethelo ke jwa rona re le bana ba basetsana, ka jalo a re se itetle go faposiwa mo tseleng ke dikgang tse di ka re senyetsang bokamoso mme re tsepame mo go tse di molemo”, ga gakolola Mme Mosikari. Mothusa mokwaledi mo lephateng la Botsogo le Boitekanelo, Rre Moses Keetile, ene a re ba tsweletse ka maiteko a go tsolosa tsamaiso ya sekolo sa ba-na-le-bogole ba sekolo sa Annestine se a supileng se ntse se aperwe ke ditsamaiso tse di sokameng tse di batlileng di felela ka go lathegelwa ke dithoto tsa madimadi. Rre Keetile o kgothaditse Bakwena go ema nokeng sekolo sa Annestine go hema tatlhegelo ya dithoto mo go ka bakwang ke go tlhoka tsamaiso. O supile fa thulaganyo ya go tlhopa lekgotla le le tsamamisang sekolo e tlaa dirwa kgwedi ya Ngwanatsele e le lesome le boraro , ka jalo a ikuela gore go sekasekwe batho ba ba nonofileng ba iteisanya borathana go busetsa serodumo sa sekolo seo. O tlhalositse fa puso e thusa sekolo sa Annestine ka P3 million ngwaga le ngwaga, ka jalo a supa fa madi a o a tlhoka botsamamisi jo bo nonofileng go ka a sireletsa le go netefatsa gore a dirisetswa tse di maleba. Kgosi kgolo wa Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III, o kgothaditse morafe go amogela le go tsaya tsia ipelo ya letsatsi la mafatshefatshe la ngwana wa mosetsana ka jaana le thusa go tsibosa le go amogela melaetsago fetola dikgang tsa kgodiso ya ngwana wa mosetsana. BOKHUTLO society 9 Khansele e thapa ba COVID-19 Scorpions Mogolwane wa tsa tikologo kwa khanseleng potlana ya Serowe, Mme Boammaaruri Letebele, a re badiri ba Covid-19 Scorpions ba tlaa rurifatsa gore melawana e e beilweng ya itshireletso kgatlhanong le COVID-19 e salwa morago. O buile se Seetebosigo a robabongwe kwa Serowe fa go rutuntshiwa badiri ba COVID-19 Scorpions ba le 162 ba ba sa tswang go thapiwa. A re ba tlaa bo ba tsholetsa le go rotloetsa itshireletso mo metseng ya kgaolo potlana ya Serowe ka go farologana. Mme Letebele a re badiri bao ba tlaa bo ba thusa ka go tsibosa badiri, baithuti le setshaba ka kakaretso ka mokgwa o o letlelesegang wa go itshwara le go thusa ka kitsiso tse di tlhokafalang go itshireletsa kgatlhanong le bolwetsi jwa COVID-19. A re ba Covid-19 Scorpions ba tlaa bo ba kanoka mafelo ka go farologana go rurifatsa gore ditsetlana tsa itshireletso kgatlhanong le COVID-19 di salwa morago. Ka jalo a re fa ba tsweletse jalo ba tlaa bo ba kanoka dikole, madirelo, dikereke le ba ba direlang mo mekgwatheng gore a ba setse itshireletso ya mogare wa corona morago . O ne a rotloetsa badiri bao go fa pego ya se ba se dirileng ba tsentse dintlha tse di tlhokwang ke baeteledipele ba kwa ba direlang teng. Mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Serowe Rre Modisane Moletsane o ne a kopa ba COVID-19 Scorpions go dira ka botswapelo go thusa go lwantsha segajaja sa COVID-19. O ne gape a ba gakolola gore ba itshware sentle kwa mafelong a ba tlaa a bong ba direla kwa go one mme ba obamele melawana ya tiro. health 6 Banana ba tsosolosa mowa wa boithaopo Mowa wa boithaopo le bopelotlhomogi fa o ka tsholediwa wa bo wa tseelwa kwa godimo o ka thusa lefatshe leno go gatela pele le go thusa katlego ya nngwe ya dipilara tsa 2016 e e leng tshaba e e kutlwelo botlhoko e bile e kgathala. E rile a bua kwa tshimolodisong ya ntlo ya moithuti mongwe wa mo-na-le-bogole wa sekole se se botlana sa Mokgenene, modula setilo wa mokgatlho wa Heart To Give, Rre Tsholofelo Keebone a re e rile ngogola mokgatlho wa tshwara thuto puisano go abelana maele a botshelo le baithuti ba Mokgenene mme ba lemoga botlhoki jwa moithuti yoo, yo o nang le bogole mo leotong, mme mo nakong eo a ne a tsamaya ka go soba ka marago ka a ne a sena dithobane. O boletse gore e rile mo ditlhotlhomisong tsa bone ba fitlhela e le gore ngwana yo, o nna le nkokoagwe kwa merakeng ya motsana wa Mokgenene kwa ba fitlhetseng seemo sa botshelo e le se se ngomolang pelo fela thata ka jalo ba itlama go ba batlela setsha le go ba agela kwa Mokgenene. A re ba ne ba dira jalo ka tshwaragano le ba boipelego gammogo le ba sepatela sa Mahalapye mme ba itela mo dikomponeng go ba tswa thuso ka jalo kompone ya Sunezmulti-purpose Co-operative Society ba ithaopa gore ba tlaa ba agela ntlo eo. A re e ne ya re go le pele ba tshegetsa ditiro tsa go kokoanya madi di akaretsa mogwanto, mmabontle le go tlhatswa dikoloi le ntswa di sa atlega jaaka ba ne ba solofetse. Rre Keebone a re le ntswa ba ne ba solofetse gore ba tlaa bo ba setse ba tshetse motheo wa ntlo, ka ntlha ya go bo lefatshe le le makgarapana go ne ga nna bokete go ka kgona mme ba felela ba kgonne go epa motheo wa ntlo jalo ba solofela gore mo bogautshwaneng ba bo ba boela kwa Mokgenene go ya go tsweledisa letsema. Fa a tswa la gagwe, moanamisa mafoko wa mokgatlho wa Heart To Give, Mme Shatani Nyatanga o ikuetse mo go boradikompone le Batswana ka kakaretso go thusa ka tsotlhe tse ba nang le tsone gore ba kgone go wetsa kago e ka nako e e beilweng . A re kwa ntle ga dithuso tsa madi, ba amogela gape dithuso tse di tshwanang samente, ditena le didirisiwa tsa kago. Mme Nyatanga a re le go ntse jalo go na le dikgwetlho tse di ba lebaneng e le mokgatlho jaaka tlhaelo ya madi ka ba ikaegile thata mo dithusong tse ba di amogelang mo setshabeng. Bothata jo bongwe jo ba rakanang le jone ke jwa batho ba ba dirang maitlamo a go ntsha dithuso e re morago ba bo ba sa diragatse maitlamo a bone. BOKHUTLO society 9 Bahurutshe ba a tlhobaela Bahurutshe ba motse wa Mmankgodi, ba supile fa ba sa robadiwe ke seemo sa ditlhabololo tse di sa bonaleng mo motseng wa bone. Ba kaile se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mothusa tona ya thuto le tlhabololo dikitso Rre Patrick Masimolole bosheng. Ba re ba ipotsa gore ba diretse puso bosula bofe, gore ba tingwe ditlhabololo mo go setseng go le mo mpaananeng. Fa a bua, modulasetilo wa lekgotla la ditlhabololo tsa motse, Rre Jerry Tau o kaile fa motse wa bone o saletse thata kwa morago mo ditlhabololong, mo e bileng okare ga ba gaufi le toropo. A re Mmankgodi o lefifi, ga a na ditsela e bile ga gona ditlhabololo dipe tse di rokotsang mathe mo motseng oo. Rre Tau a re seemo se, se ngomola pelo bogolo thata ka dinako tsa dipula ka ba lwela ditsela le dikoloi. O kopile puso gore e ba agela motshelakgabo go kgaola bana ba dikole maoto ka dinako tsa dipula, a re borogo jo bo teng bo kgakala thata le dikole. O ne gape a kaya fa bana ba motse, ba tsamaya sekgala se seleele go ya sekoleng ka jalo ba goroga kwa dikoleng ba lapile. A re, “Bana ba tsena kwa sekoleng ba le mo letsapeng ba bo ba thulamela, ba sa itire, ele letsapa.” A re ba nna ba solofediwa ditlhabololo mme ga di goroge, a kaya fa ba setse ba ikopetse kokelo mo makgotleng a a ikemetseng ka nosi, mme a re maiteko a, a kgaupediwa ke ba lephata la botsogo ka madiadia. O tsweletse a re lephata la botsogo, le setse le kgoba marapo baithaopi ba, ka ba ba lopa go tla ka se, morago ga se. A re gape, motse wa bone ga ona le fa ele koloi ya puso e le nngwe, ntswa go nale dikole tse tharo, kokelwana, ofisi ya ga maboipelego le ofisi ya kgotla. Rre Tau a re seemo se, se dira gore go nne thata gore bodiredi bo ntshe maduo le go dira maitlamo a bone mo setshabeng. Fa a akgela, Rre Masimolole a re, ga se maikaelelo a puso go tima Batswana bape ditlamelo, a re go santse gona le leshekere la madi. Le fa go ntse jalo, o ba tshepisitse go isa matshwenyego a bone kwa go ba ba lebaneng, mme a ba kopa go se fele pelo ka ditlhabololo di tla goroga. Rre Masimolole, o supile fa a sa itumelele seemo sa thuto se se welang tlase mo lefatsheng leno. A re dikole tsa Mmankgodi, di ntse di sa dire sentle thata mme a kopa batsadi go tshwaragana le barutabana. O ne gape a lela ka go dirisiwa ga dinotagi le motokwane ga bana ba sekole, a bo a tsibosa batsadi gore ga gona ngwana yo o ka pasang a inaakantse le ditagi. Fa banni ba akgela, ba re ba tlhobaediwa ke thuto ya sekole se segolwane sa Kagiso kwa Ramotswa. Ba re sekole se, se phirimisa ditoro tsa bana ba bone, ba tlatsa ka gore le fa ngwana a ne a solofetsa, fa a goroga kwa Kagiso, lesedi le a neng a na le lone le a phirima. BOKHUTLO politics 7 Ba kgotlhaditswe go tlhwaafalela thuo ya dikgaka Modiri wa lephata la diphologolo Rre Obusitswe Rakhuna o kgotlhaditse banana go tsaa thuo ya dikgaka ka tlhwaafalo. O ne a kgotlhatsa banana ba ba mo tirelo sechaba ba ba ikatisetsang godirela mo lephateng la diphologolo bosheng mo Molepolole. Rre Rakhuna a re dikgakadi bogadi bo gaufi ebile ga se gantsi di utswiwa A re mae a dikgaka le one a na le dipoelo tse di nametsang thata ka a rekisiwaka ditlhwathwa tse di botoka thata. One a tswelela ka gore dikgaka dirata bonno jo bo phepa e bile di sa tshwanela go tlhakanngwa le dikokoka di sa tsamaisane sentle. O tsweletse ka gore go tsena mo kgwebong ya dikgaka ga go dingalo kamotho a ikopanya fela le ofisi ya diphologolo le ya banana go isa kopoya gagwe go ya go sekasekiwa pele aka thusiwa. Rre Rakhuna o ne gape a gakolola gore gase diphologolo tsotlhe tse diduelelwang fa di senyeditse motho mo masimong. A re diphologolo ditshwana tau,tlou,kubu,nare di duelelwa ka e bile di le borai momatshelong a batho. Fa ba akgela banana ba ne ba supa fa ba ithutile gole gontsika ba ne ba sa tlhaloganye thata ka thuo ya dikgaka le ka melawanaya go tsaa diteseletso tsa go tsoma. economy_business_and_finance 3 Bakwena ba rotloediwa go abela ntlo ya ditso Bakwena ba rotloeditswe go tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela matlotlo le ditso tsa bone ka go abela ntlo ya ditso didirisiwa tsa botlhokwa tsa setso le ngwao eseng fela go ikaega ka go di rekisa. Fa a bua mo puisanong bosheng, mogolwane wa tlhokomelo ntlo ya ditso ya Kgosi Sechele I, Rre Power Kawina o tlhalositse gore le fa seabe sa Bakwena mo go somareleng ngwao le ditso tsa bone e le sa maemo a a kwa godimo mme gone ba saletse morago golo gongwe. O tlhalositse gore ntlo ya ditso e botlhokwa mo banning ba kgaolo ya Kweneng ka gore e itlamile go nna le seabe mo go fetoleng matshelo a bone. O boletse gore e rile kwa tshimologong bontsi jwa batho ba bo ba sa le etele mo go nametsang mme mo nakong eno bontsi jwa batho ba le etela ka bontsi go ithuta le go bona didirisiwa tsa ngwao. O tsweletse a re ntlo ya Kgosi Sechele 1 ke yone konokono mo kgodisong tshomarelo ya ditso le ngwao ya Bakwena. A re ntlo e, e thusa morafe ka go bapatsa dilwana tsa setso tsa kgaolo ya Kweneng mme e bile e ikemiseditse go thusa go tswakanya itsholelo mo kgaolong eo. Go ya ka Rre Kawina le fa gone morafe o sa dire go lekane go abela ntlo ya ditso didirisiwa tsa setso gone bangwe ba dira go le gontsi. A re Kgosi Sechele 1 e ipela ka mophato wa Matsosa-ngwao o o tshwaraganeng le bone go tshegetsa le go ruta ka ditso le ngwao ya Bakwena. Fa a bua ka seabe sa mophato oo, o o tlhamilweng ke bomme ba ba tshotsweng ka 1930, a re le fa bomme bao ba setse ba sa kgone ka ntlha ya bogodi e bile ba bangwe ba seo mo botshelong, bana ba bone ba tsere marapo mme ba tsweletse sentle go tshegetsa ngwao le ditso ka mophato oo. O boletse fa Matsosa-ngwao ba ithaopile go ntlafatsa matlo a setso a bojang ka go dira lekgapho ngwaga le ngwaga. O nankotse ditiro tse Matsosa-ngwao ba di dirang kwa ntlong ya ditso jaaka go ruta batho kapei ya dijo tsa Setswana tse di fitlhelwang mo kgaolong ya Kweneng gammogo le go ruta ka tumelo le setso sa Bakwena jaaka lenyalo le phitlho ya Sekwena. Rre Kawina a re Bakwena ba tshwanetse go intsha setlhabelo ka go abela ntlo ya ditso didirisiwa tsa botlhokwa tsa ngwao ka gore ntlo eo ga e mo maruding a lephata la ditso le ngwao fela mme ke ya Bakwena ka bophara. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Ralotsia o rotloetsa balemi go dirisa mananeo a temo-thuo Tona wa temo-thuo, Rre Patrick Ralotsia o rotloeditse balemi-barui go dirisa mananeo a temo-thuo go ntsha dijo le go rekisa ka gore go kopa kwa mafatsheng a mangwe ga go monate, ka Motswana a boletse a re lerotse ka makopo le se na kgodu. Tona Ralotsia, yo e bileng e le mopalamente wa Kanye Bokone, o ne a patilwe ke mothusi wa gagwe, Rre Fidelis Molao kwa letsatsing la go isa ditlamelo tsa temo-thuo kwa bathong kwa Ntlhantlhe mo kgaolong ya Borwa ka Labobedi (30/06/2015). Rre Ralotsia, yo o tlhotseng kwa motseng oo, o boletse fa puso e leka ka maatla otlhe gore Motswana mongwe le mongwe fa a leng teng a dirise mananeo a puso a sesolo jaana ISPAAD le NAMPAAD go ntsha dijo mo masimo le mo loruong mme mo go salang ba bo ba rekisa jaaka puso e rotloetsa. O boletse fa puso le lephata la gagwe ba lwantsha ntwa kgatlhanong le tlala, letlhoko la ditiro le gore Batswana ba nne le dijo tse di lekaneng, jaanong sebe sa phiri ke gore ba ithetse moriti o tsididi fela ba batla ba direlwa e se nama. O boletse fa Tautona a bone fa lefathse leno le tlaa fekeediwa ke leuba mme a laola gore monongwaga batho ba thusiwe mo phokoletsong ya tsa temo-thuo le tse dingwe go thusa Batswana mo manokonokong a leuba. O boletse fa puso e lemogile gore dipula monongwaga di ne di le boutsana, ka jalo o kopa Batswana go tshwara ka thata go dirisa mananeo. Bangwe ba buile kwa masimo ba iphotlhere fa ba ba neng be ora molelo wa mariga ba tsena mo seatleng. Le fa go ntse jalo, Tona Ralotsia o kopile ba ba nang le masimo ba sa a dirise go adima ba bangwe ba ba nang le pelo ya go lema gore le bone ba solegelwe molemo ke mananeo a puso. O boletse fa masimo ka bontsi a medile ditlhare mme beng ba one ba ntse fela. O rotloeditse gape gore barui ba rue dikgomo tsa mashi, a bolela fa mashi a tlhaela thata mo Botswana. O boletse fa go na le lenaneo la go thusa barui ka moroto wa dipoo tsa mashi mme lephata la gagwe le thusa gore go dirwa jang. Tona o boletse fa Botswana e tlhokana le 60 million litres ya mashi mme Batswana ba ntsha 3 million fela mo go sa lekanang. Kwa letsatsing leo go ne ga supegediwa banni mananeo a a farologaneng le go thusiwa le bontshiwa go tsenya manyena a dikgomo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Motlobo o tlaa tokafatsa maduo Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Frans Van Der Westhuizen, a re kago ya metlobo ya dibuka le lefelo la ditso kwa Werda e tlaa thusa mo go tokofatseng maduo a dikole tse di kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa. Rre Van Der Westhuizen, yo gape e leng Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, o buile se ka Mosupologo (Phalane a le lesome) kwa pulong semmuso ya kago eo. O tlhalosiste fa thuto e le konokono ka jalo a akgola Robert &Sara Rothschild Family Foundation go ntsha mpho e e tlaa thibelang banana go tsena mo ditirong tsa botlhoka tsebe. Rre Van Der Westhuizen a re baithuti, barutabana, banana le bagolo ba tlaa nna le sebaka sa go bala, go ithuta le go itlhabolola ka go nna le dikitso tse di farologanyeng le gone go itepatepanya le seemo se se tsweletseng ka go tlhabologa sa maranyane a segompieno. A re seo gape ke kgatelopele mo go tsa thuto, a kaya fa pele ga lefatshe le tsaya buipuso dingwaga tse di masome matlhano tse di fetileng go ne go sena metlobo ya dibuka gotlhelele. O kaile fa kago eo ya metlobo wa dibuka e le ya bo lekgolo le botlhano lefatshe leno ka bophara mme e le ya lesome le boraro e e agilweng ke ba mokgatlho wa Robert & Sara Rothschild Family Foundation go tswa Amerika. Rre Van Der Westhuizen o ne a leboga kgosi le morafe wa Werda go bo ba ne ba ema ka dinao mo go tlhomamiseng gore ntlo ya metlobo ya dibuka e nna teng. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo mo kagong ya ntlo eo, Mme Yvonne Motshabise o ne a lebogela ba ntlo kgolo ya metlobo ya dibuka go tswa Gaborone le mokgatlho oo wa Robert & Sara Rothschild Family Foundation tiro e ntle e ba e dirileng ya go tswa ka moono wa kago eo, e e simolodisitsweng ka ngwaga wa 2015 ka tshwaragano le lephata la banana, metshameko le ngwao. Mme Motshabise o supile fa kwa tshimologong lefelo leo e ne e le sekgwa fela ka e ne e le setsha sa VDC mme kgosi le morafe wa gagwe ba ne ba amogela kago eo ka diatla tsoopedi, mo bangwe ba ba bapileng le sone ba feletseng ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo go natha mo dijarateng tsa bone bontlha bongwe go se oketsa ka se ne se le sennye. A re le ntswa ba ne ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le metsi, ba ne ba itoma molomo wa tlase go wetsa kago e. Modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi, Rre Justice Nkwane, o ne a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe le dikgakololo mo kagong ya ntlo ya metlobo ya dibuka ka e tlaa tsisa lesedi le kgatlhego ya go bala mo go mongwe le mongwe le setshaba ka kakaretso. education 4 Somolekae o atla megopolo Mothusa Tona ya Ofisi ya merero ya ga Tautona le bodirela puso, Dr Gloria Somolekae a re setshaba se gololesegile go tla ka megopolo e e ka diriswang go tlhofofatsa lenaneo la nyeletso lehuma. E rile a akgela mo ngongoregong ya mongwe kwa phuthegong ya kgotla kwa Gumare bosheng , Dr Somolekae a re go botlhokwa gore batho ba tswe ka megopolo e e tiileng ya ditiro dingwe tse ba ba bonang di ka ba sologela molemo ba lebile diemo le dikgwetlho tsa dikgaolo tsa bone. A re ga go reye gore fa puso e simolotse ka megopolo mengwe e akaretsa tshingwana ya merogo, seo se ka itsa batho go tla ka ya bone ka gore go tlaabo go sa thuse sepe gore motho a fiwe tiro e a ka sekeng a e kgona mme kwa bofelong e phutlhame. Dr Somolekae a re maikaelelo a magolo a lenaneo la nyeletso lehuma ke go leka go tsholetsa matshelo a ba ba tlhokang gore batle mo seemong sa Batswana ba bangwe. E ne e rile pele, Rre Bodibelo Kenneth a ngongoregela go bo ofisi ya ga Tautona e sa rerisa setshaba ka lenaneo leo, mme boemong jwa seo e tsile e itseetse ditshwetso ka ditiro tse e akantseng go di neela batho, selo se se bakileng go sa atlegeng ga dingwe tsa tsone. Rre Kenneth a re tiro e tshwana le ya ditshingwana tsa merogo gore di atlege mo kgaolong ya Okavango, ke fa go ka dirisiwa metsi a noka ka go dira temo ya nosetsa ha thoko ga noka go tila seemo sa tlhaelo ya metsi se se tshwenyang mo kgaolong ya Okavango kgapetsa-kgapetsa. A re mo nakong eno, ditshingwana tsa merogo tse di solofetsweng go direlwa batho mo Gumare ga di ise di simololwe ka ntata ya tlhaelo ya metsi mo motseng oo, mme fa gone go nnile le morero fa gare ga puso le setshaba, go ka bo go dulwe ka megopolo e e tiileng go tlhofofatsa lenaneo leo ka le le botlhokwa thata. Mafoko ao a gateletswe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Gumare, Mme Gosimilwe Molapisi yo a boletseng gore lefa puso e dirile maiteko a mantle a go thusa batlhoki ka ditshengwana tsa merogo, letshogo ke gore bontsi jwa tsone ga di na go tla go dira sentle ka ntata ya tlhaelo ya metsi mo motseng wa Gumare. Mme Molapisi gape o gateletse botlhokwa jwa gore badirela puso ba maphata a a lebanyeng ba etele kgapetsa- kgapetsa batho ba ba thusiwang ka lenaneo la nyeletso lehuma gore ba kgone go ba fa thuso ya potlako fa go na le bothata. A re batho bangwe bogolo jang ba tlhoka pono, ba na le bogole le ba ba sa itekanelang mo tlhaloganyong, ga ba kgone go itirela mme ba beile mo go ba masika bao le bone ba senang dikitso tse di rileng. Lefa go ntse, jalo banni ba Gumare ba iteetse legofi lenaneo leo ka ba re le ka inola batlhoki mo lehumeng le le ba apereng fa le ka tsamaisiwa ka manontlhotlho. Dr Somolekae a re maikaelelo a ga Tautona a go tlhoma lenaneo la nyeletso lehuma ka ngwaga wa 2010 ke go leka go itebaganya le batlhoki ba nta ya tlhogo gore kwa bofelong, le bone ba tle mo seemong se se siameng ka jalo go botlhokwa gore badirela puso, ba na le seabe le setshaba ka kakaretso ba tsenye letsogo. Bokhutlo society 9 Batswana ba kopiwa go fetola boitshwaro Go bolelwa fa Batswana ba rutilwe thata ka mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS mme jaanong go le botlhokwa gore ba fetole boitshwaro gore ba seka ba gasagasa mogare. Mafoko a, a boletswe ke kgosi ya Mogobane, Rre Nobi Moilwa fa a amogela baeng kwa motseng oo ka letsatsi la segopotso sa HIV/AIDS, a tlhalosa fa Batswana ba tshwanetse go ipela ka ditlamelo tse puso e di ba neelang le ka fa e ba rutileng ka teng ka bolwetse jo mme ba tlhagafalele go bo fedisa. Fa a tswa la gagwe, leloko la komiti ya botsogo ya Mogobane Mme Tsholofelo Letshoo o tlhalositse fa maikaelelo a letsatsi e le go ipelela se puso e se direlang lefatshe leno ka go leka go lwantsha seemo sa mogare. O kopile Batswana go emisa go tshameka ka botshelo jwa bone, a bolela fa se e le go itsietsa fela. A re Batswana ba tshwanetse go tlogela go iphitlha ka monwana fa ba lwala jalo a ba rotloetsa go dirisa mananeo a puso a botsogo ba patagantse le go ikanya Modimo. Mme Letshoo o ba kopile go tlogela go supa ba bangwe ka menwana mme a ba rotloetsa go amogela le go dirisa dithuto tse ba di filweng. Sebui sa tlotla Moruti Jacob Nong, o tlhalositse fa Batswana ba tshwanetse go ema ka dinao botlhe go supa fa ba sa batle bolwetse jo mme ba ka dira se ka go se tsenwe ke mogare o mosha, ka go emisa ditsela tsotlhe tse di gogelang go tsenwa ke mogare gonne o dumela fa dilo tse tsotlhe di ka emisa kanamo ya mogare. Moruti Nong o boletse gore fa banana ba ka tswalela ditsela tsa go tsenwa ke mogare, ba ka godisa tshaba e e senang mogare. O boletse gore Modimo o diretse monna molekane ka go bo a ne a bona go tshwanela gore go nne jalo mme go botlhokwa gore batho ba kopane ka tsela e e tshwanetseng eleng ya lenyalo. Moruti Nong o supile fa lefatshe la Amerika le ntshitse didikadike tsa madi go lwantsha bolwetse jo mo lefatsheng leno, a bo a supa gore fa Batswana ba ka fedisa bolwetse jo madi ao a ka dirisiwa go dira ditlhabololo tse dingwe. O supile fa Batswana ba rutwa thata ka bodiphatsa jwa mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS, mme ba itebatsa dithuto tseo. O ba gakolotse gore go nna le bakapelo ba le bantsi ga se bokwete mme ke tsela nngwe ya go ipiletsa lebitla. Mo go tse dingwe, Kgosi Moilwa o kopile balemi go tlhokomela leruo la bone thata gore le seka la senyetsa balemi, a supa fa katlholo ya leruo le le senyeditseng molemi e bewa ke molemi. Kgosi o tlhalositse gape fa diheke di tla a tswalwa Hirikgong a le lesome le botlhano, a bo a kopa barui go isa leruo la bone kwa go tshwanetseng. O kopile Batswana go ithuta go kgalemelana fa ba bona ba bangwe ba sa dire sengwe sentle bogolo jang ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha. O tsweletse a bolela fa mophato wa Madisamotse o tla a disa metse ya kgaolo ya Gamalete ka malatsi a jalo a kopa tirisanommogo le morafe. education 4 Maduo a a bokoa a a tshwenya Mopalamente wa Takatokwane, Rre Ngaka Ngaka, a re o tshwenyegile thata ka maduo a lekwalo la bosupa a sekolo se se botlana sa Sesung a a tsweletseng ka go wela tlase. Mopalamente o buile seo mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwaretswe kwa motseng oo ka Labone (22/01/2015). A re mo dikoleng di le lesome le bone tse di mo kgaolong ya botlhophi ya Takatokwane sekolo sa Sesung se tsere maduo a bo lesome mme se ke seemo se se ngomolang pelo. O boletse gore bana ba le masome a matlhano le botlhano ba kwadile ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa kwa sekoleng seo mme bana ba le babedi ba tsere maemo a ntlha, ba le batlhano ba tsere maemo a bobedi, ba le lesome le bosupa ba tsere a boraro fa ba le masome a mabedi le bosupa ba tsere maemo a bone mme ba le bane ba tsere a botlhano. Mopalamente o gakolotse batsadi go tsaya thuto ya bana ba bone tsia ka thuto ke yone motheo wa botshelo, a re go botlhokwa gore batsadi ba tshwaraganele thuto le barutabana mme ba tswe mo mokgweng wa go rwesa barutabana mokgweleo wa bana ba le bosi. Fa ba ntsha la bone morafe o ne wa supa gore ba leka ka bo jotlhe go ruta bana ba kwa malwapeng mme ga ba kgone ka lebaka la gore lenaneo la thuto ya gompieno (syllabus) le thata ga le tshwane le la maloba, ba re le sekgoa sentsi e bile tiro ya teng e ntsi mme se se folodise maiteko a bone e le batsadi. Mongwe wa batsadi mme Dimpho Molefise a re fa gongwe seemo se bakiwa ke gore ga gona dijo kwa sekolong mme se se ketefaletse bana go ithuta ka ba sa kgone go reetsa ka kelotlhoko ka ntlha ya tlala. Fa a ema a latlhela la gagwe moemedi wa sekolo Mme Lesego Mpofu a re go na le tlhaelo e e ntsi ya didirisiwa jaaka dibuka le dipene le tse dingwe fela tse di ka dirang tiro ya bone motlhofo. A re boroko bo a tlhaela e bile jo bo teng ga bo mo seemong se se siameng ka e le makgasa fela, mme a kopa gore go okediwe matlwana a boitiketso ka a a leng teng a sa lekane bana.BOKHUTLO education 4 Ramakgwa o gweba ka go bina mo meketeng Go tlwaelesegile gore ka lenyalo go nne le baetsana mme ba natetshe moletlo ka go bina. Le fa go ntse jalo, dinako tse dingwe go nna thata gore banyadi ba kgone go nna le baetsana ka jaana dilwana tsa go emisa di le turu. Ke gone ka moo Rre Ogomoditse Ramakgwa wa Tswagare kwa Morolong a neng a tlhama setlhopha se se binang mo manyalong mme a se bitsa Silver Diamond kwa Old Naledi mo Gaborone. A re o kile a emisa lenyalo la ga ntsalae mme morago a tlelwa ke mogopolo wa go dira seo kgwebo. O tlhalosa mo potsolosong fa ba simolotse ba le lesome mme gone jaana ba supa mme seo se sa mo kgobe marapo. A re ba itheketse kapari ya bone mo mabenkeleng mme mo nakong ya gompieno ba mo tseleng ya go reka e nngwe ka jaana mebala e e dirisiwang mo manyalong e farologana go ya ka dipaka. Rre Ramakgwa a re mo bogompienong bokamoso jwa setlhopha bo a solofetsa ka jaana ba bonye rre mongwe yo o ba thusang ka madi. ‘Bangwe ba ba neng ba re tlogetse ba simolotse go boa mme ba bangwe re santse re le mo dipuisanyong nabo go oketsa setlhopha.’ A re tiro ya setlhopha ke go ruta ditepe tsa manyalo, go bina mo meletlong mme ba eletsa gore mo isagong ba oketse letseno la bone ka go adimisa ditante tsa meletlo. O bolela fa kgwetlho e ba nang nayo e le go bapatsa Silver Diamond ka jaana ba tlhoka madi go dira jalo. A re gore setlhopha se gole ke gore batho ba se itse mme seo se ka direga fela fa ipapatso e le e e mashetla. Godimo ga moo, kgwetlho e nngwe e e ba tshwenyang ke ya ditlhwatlhwa. A re banyadi ba nna dingalo go beelwa ditlhwatlhwa mo ba felelang ba duela se bone ba se batlang. O ne a nankola le gore lefelo le ba ikatisetsang mo go lone ga le ise le nitame ka jaana ba kgona go ikatisetsa kwa Mogoditshane kgotsa kwa Old Naledi, mme fela a le mo dipuisanyong le mongwe yo o ba solofeditseng lefelo la sennela ruri.. BOKHUTLO society 9 Lephata le bolotsa letsholo Lekalana la dijwalo mo lephateng la temo-thuo kwa Shakawe le ikaelela go simolola lenaneo la nyeletso lehuma ka go lema masingwana a merogo. E rile mo potsolotsong, mogolwane wa lekalana le kwa Shakawe, Mme Elizabeth Keabetswe a tlhalosa fa tiro e e setse e simolotse e bile ba ba tlaa thusiwang ba ka nna lekgolo ba setse ba sekasekilwe ke ba boipelego go simolola kwa motseng wa Gudigwa go fitlha kwa Nxamasere. Mme Keabetswe o supile fa bontsi jwa batho ba ba mo lenaneong leo ba rutilwe ke lephata la gagwe ka go tlhokomela tshingwana ya merogo gore ba kgone go tokafatsa matshelo a bone. O boletse fa didirisiwa tsotlhe di akaretsa ditanka tsa metsi, mapako le matlowa di setse di gorogile e bile dingwe di setse di isitswe kwa bathong.Mogolwane yo a re ba simolotse kwa Gani le Shakawe mme morago ba tlaa phatlalala le metse e mengwe mo kgaolong-potlana ya Okavango, a tlatsa ka gore bontsi jwa batho ba ba ikwadisitseng mo lenaneong ke bomme fa e se kwa Ngarange. Mme Keabetswe a re batho ba kgaolo eo ba rata temo fela thata, ka jalo o na le tsholofelo ya gore lenaneo le tlaa atlega.O boletse fa ba na le kgwetlho ya metsi mo mafelong mangwe. Mme Keabetswe o tlhalositse fa go hirilwe batho ba le bararo go thusa go aga mereti ya masingwana ao fa lephata la gagwe lone le thusa ka boitseanape jwa go tlhokomela masingwana. Mo go tse dingwe, Mme Keabetswe o tlhalositse fa lenaneo la temo la (ISPAAD) le tsweletse sentle mo kgaolong, a bolela fa ba na le ditshukudu tsa temo di le pedi fela mme mo nakong e go bereka e le nngwe. O boletse fa bontsi jwa balemi ba setse ba simolotse go lema ka ditonki.O gakolotse balemi go dirisa bokgola jwa ntlha gore ba kgone go akola thobo. economy_business_and_finance 3 Mosireletsi o ikitsese morafe Banni ba Leporung ba gakolotswe go dirisa ofisi ya Mosireletsi fa ba na le dingongorego le ka fa ba fiwang ditlamelo ka teng mo maphateng a puso. O tlhalositse fa ofisi ya Mosireletsi e ikemetse ka nosi e sa tsee ditaelo gope, ba dira tiro ya bone ka fa ba bonang go le maleba ka teng go netefatsa gore ba sireletsa Motswana mongwe le mongwe. Rre Montsho o tlhalositse fa ba filwe boikarabelo jwa gore ba sekaseke ditsamaiso tsa diofisi tsa puso, ka fa bodiredi bo fang Batswana ditirelo ka teng. A re ba sekaseka dikgang di tshwana le go fiwa dikgang tse e seng boammaruri, go gogela kobo ntlha e le nngwe ke bodiredi jwa puso. Rre Montsho o tlhalositse fa mo go direng jaana ba sala tsamaiso morago, ka go rola kgang kwa go ba go ngongoregwang ka bone mme morago ba boele kwa go mongongoregi go fitlhelela ba tla ka tharabololo. A re ga ba tlhotlhomise dikgang di tshwana le tsa makgotla a tsamaiso ditsheko, phiro ya badirela puso, ditlhotlhomiso tsa sepodisi le dikgang tsa tirisano ya Botswana le mafatshe a mangwe. O gateletse gore Motswana le motswaka yo o nnang mo Botswana, fa ba thusitswe ke ofisi ya puso ba na le tshwanelo ya go ngongorega kwa go bone, a tlatsa ka go re ditirelo tsa ofisi ya gagwe ga di duelelwe. Rre Montsho a re ba eletsa gore dikgang di goroge kwa go bone mo lebakeng la dikgwedi tse di lesome le bobedi fa e se fela go na le mabaka a tiego. A re ba ipeetse seelo sa gore ba sekaseke dikgang mo sebakeng sa dikgwedi tse tlhano mme fa ba diegile, ba seka ba feta dikgwedi di le lesome le bone. Fa ba akgwa Rre Montsho dikgaba, bangwe banni ba tlhalositse fa ba ne ba sena kitso epe ka ofisi eo mme ba lebogela dithuto. Ba boletse gape fa ba ntse ba na le dingongorego mme ba sa itse gore ba ka ikuela kae, ba supa fa jaanong ba itse tsela, ofisi eo e tlaa ba sologela molemo. Bokhutlo society 9 Thuto pilara ya botshelo Mookamedi wa kanamiso mafoko le melaetsa wa Botswana Meat Commission, Rre Brian Dioka o boletse fa thuto e le yone seikokotlelo sa botshelo mo dipakeng tsa segompieno. Rre Dioka o buile mafoko kwa moletlong wa kabo dimpho ya sekole se se botlana sa Mosielele kwa Moshupa bosheng. A re thuto ya bogologolo fa go ne go tsenelwa ka fa tlase ga ditlhare e bile go na le sekole sa motshegare e alositse batho ba le bantsi thata. Rre Dioka a re thuto ya lefatshe la Botswana e nnile le kwelo tlase mo dingwageng tse di fetileng ka jalo go le botlhokwa gore sekole se tshwana le Mosielele se e bileng se na le bokao ja bogosi ja motse se tshwanetse go ntsha maduo a a nametsang. O kopile batsadi gore ba seka ba supa goromente ka monwana fa dilo di sa tsamae sentle mme ba tshwaraganele bana le barutabana ka dinako tsotlhe gore e re ka ngwaga wa 2016 sekole sa bone se bo se ntsha dialogane tse di tshenene. A re baithuti bogolo jang ba ba sa amogelang dimpho tsa go dira sentle ba tshwanetse go ikitaya ka thupana go dira sentle mo nakong e e tlang. Fa a tswa la gagwe mogokgo wa Mosiele, Rre Mogorosi Kenosi o boletse fa maikaelelo a bone e le go tshwara moletlo wa kabo dimpho ngwaga le ngwaga e le sekao sa go lemoga le go tlotlomatsa baithuti ba ba dirang sentle. A re ke maikaelelo a sekole go tshegetsa letshego la tebelopele ya 2016 ya tshaba e e rutegileng e bile e na le kitso. Mokhanselara wa Moshupa bophirima, Rre Thompson Sethibe o ne a konotelela ka gore fa batsadi ba ka tlhola gore bana ba dira jang kwa sekoleng go ka kgothatsa bana fela thata. education 4 Makhanselara a lekola kokelo ya Palapye Makhanselera a kgaolo-potlana ya Palapye a sa tswa go etela kokelo ya Palapye ka maikaelelo a go iponela seemo le go itseela ka tsebe matshwenyego a a lebanyeng kokele eo. Se se tla jaana morago ga gore mokhanselera wa BCP wa Khurumela Rre George Makhura a ntshe tshutiso mo khanseleng e e tlhalosang fa seemo sa kokelo eo se ngomola pelo e bile go le botlhokwa gore baeteledipele ba e bileng e le kemedi ya batlhophi ba tlhoka go e etela go ya go bona ka fa e dirang ka teng le go kopana le bodiredi jwa yone. Rre Makhura a re seemo sa kokelo eo, se ngomola pelo ka ditlamelo di tshwana le melemo, malao, diipone le metshine dimeshine tse ditlhatswang dilwana tsa balwetse di tlhaela. Modulasetilo wa khansele Rre Lesedi Phuthego o ne a dumalana le makhanselera gore mo bokopanong jwa mariga khansele e tlaa etela kokelo eo. Fa a lekodisa makhanselara, Dr Cosmas Assenga o ne a supa fa ba na le malao a le masome a matlhano ntswa kokelo eo e lebaganye le dikokelwana di roba bongwe, le dikokelo tse dipotlana di le lesome le borobabongwe. O ne a tlhalosa fa ba thusa batho ba ba ka tshwarang dikete tse di makgolo mane le boraro, mme e bile e lebanwe ke mathata a go neela bafeti ka tsela e tona ya A1 ditirelo ka e le makgatlhanela thapong a metse e metona yotllhe. Dr Assenga a re mo dikokelwaneng tse dirobang bongwe tse, di le pedi fela ke tsone tse go nang le badisa dikago, gape di na le matlo a pelegeso jaaka sa Lerala le Maunatlala. A re kokelo eo, e imelwa ke morwalo wa balwetse, a tlhalosa fa gongwe seo se ka tokafala fa dikokelwana tsa Lotsane le Khurumela di ka godisiwa go nna le bongaka jwa sennela ruri. O ne a supa fa ba na le bodiredi mathata e le tlhaelo ya didirisiwa. A re dikgwetlho tse, di ba paledisa go dira tiro sentle, ka e bile go lebeletswe gore koloi ya balwetse ke yone gape e thusang mo dikotsing tse di diragalang letsatsi le letsatsi mo tseleng e tona e e ralalang Palapye. Dr Assenga o ne gape a tlhalosetsa makhanselara ka lekalana la meno a re le lone le tlhaelelwa ke didirisiwa, gape le direla kwa ntle ga Palapye go thusa balwetse kwa metseng ya magae, le kwa sekoleng sa ba-na-le bogole sa Ratsie. O ne gape a tlhalosa fa ba lebanwe ke letlhoko la badisadikago. A re go gola ga Palapye go tlhoka gore seemo se, se tsibogelwe go itepatepanya le mathata. E ne e rile go le pele Rre Phuthego a re bone e le mapolotiki ba tshwenyegile ka seemo sa kokelo eo ya Palapye, ka ba amogela dingongora letsatsi le letsatsi, mme mathata e le tlhaelo ya ditsompelo. Fa ba tswa la bone, makhanselera ba ne ba balebogela bodiredi gore bo bo bo sa ipone tsapa mo go direleng setshaba ka bonnye jo ba nang le jone. Ba ne ba supa fa mathata ao otlhe a ka arajwa fela ke go agwa ga kokelo e kgolwane mo Palapye. health 6 Monana o mekamekana le dikgwetlho E re ka mafatshe ka bophara a itebagantse le go lwantsha kanamo ya bolwetse jwa COVID-19, bangwe bagwebi ba ba botlana bone seemo se ba ne ba se amogela e le sebaka sa go fetola dikgwebo tsa bone le di tsamaiso. Go tswalwa ga melelwane mo Botswana go ne ga gwetlha puso go ithusa ka di-tsa mo gae, go rotloetsa balemi le dikhamphani tsa mo gae, go jesa le go tlamela lefatshe ka tse di tlhokegang. Se, se ne sa baka koketsego ya dikhamphani tsa banana mo gae, tse di rekisang disireletsa melomo le dibolaya mogare. Mme Onneile Ngakane yo e leng mogwebi yo mmotlana, o boleletse Mme Ngakane ke mookamedi wa khamphani ya Purpose Signatures, kwa Tsamaya, e e itebagantseng le go dira ditlolo tsa go intlafatsa. A re o simolotse kgwebo ka 2019 mme e ne e dira sentle pele ga go tlhagogo ya mogare wa corona ka a ne a rotloediwa ke ba diotele le dikhamphani tse dingwe. A re metswako ya go dira ditlolo le dibolaya mogare, o ne a di reka kwa Afrika Borwa mme e rile go tlhagogeng ga COVID-19 le go tswalwa ga melelwane, a tlhoka kwa a ka rekang metswako teng. “Ga ke kgone go ka ya go reka metswako kwa Afrika Borwa ka gore le yone teseletso ya motsamao e a sokodisa,” Mme Ngakane a tlhalosa. Mme Ngakane a re o ne a tlamega go ya go tsena dithuto kwa go ba khamphani ya Hannah, a ithuta go dira disireletsa melomo le dibolaya mogare tse di tlhomamisitsweng ke ba Botswana Bureau of Standards. A re o ne a gwetlhega go tlamela batho ba Francistown le metse e e mabapi ka tse di neng di tlhokega. A re kgwebo ya gagwe ka e ne e aperwe ke dikgwetlho ntateng ya COVID-19, go rekisa tse neng di tlhokafala thata jaaka disireletsa melomo go ne ga tokafatsa seemo. society 9 PMTCT e ntsha maduo kwa Nhabe Mogokaganyi wa lenaneo la thibelo ya mogare go tswa kwa go mmangwana go ya kwa leseeng (PMTCT) kwa Ngami District Management Health Team, Mme Keamogetse Maphane a re lenaneo le le na le maduo a a itumedisang mo go lwantsheng mogare. Mme Maphane o rotloeditse bomme ba ba itsholofetseng go itlhatlhoba le go tsenelela lenaneo le go sale nako. O buile jalo kwa letsatsing la go tsibosa setshaba ka lenaneo leo. Tiro e e ne e rulagantswe ke ba kokelwana ya Boseja/Kubung le Maun e kopantswe le go ipelela letsatsi la banana mo Maun. A re go botlhokwa go fa bana ditlamelo tsa botsogo ka ke tshwanelo ya bone, e bile a re batsadi ba ba itsang bana tshwanelo eo ba tlola molao. Mme Maphane a re dipatlisiso di supa fa dipalo tsa bana ba ba tsholwang ba na le mogare di ile tlase ka ntlha ya lenaneo leo. Fa lenaneo le simologa, tlhatlhobo e ne e dirwa ngwana a na le ngwaga le a le ngwaga tse pedi, mme morago ga fetolwa gore lenaneo le le nne le maduo a a tseneletseng ka go tlhatlhoba bana ba le dibeke tse thataro, dikgwedi tse thataro, ngwaga le ngwaga tse pedi. Mme Maphane a re diphetogo tseo di dirile gore lenaneo leo le atlege. A re go le pele bana ba le masome mararo mo lekgolong ba ne ba tsholwa ka mogare mme jaanong seo se fetogile. Ka jalo o ne a gwetlha batsadi go dirisana le ba bongaka, a re go botlhokwa gore bana bao ba dirwe ditlhatlhobo tseo tsotlhe go netefatsa fa mogare o seyo, kgotsa go tsenya ngwana mo lenaneong la diritibatsi fa mogare o le teng. Mme Maphane o ne gape a rotloetsa bommabana go tlhokomela dikarata tsa bana tsa botsogo, a re dikarata tseo di botlhokwa ka di kaela batsadi ka malwetse a a amang bana. A re go molato go kgagola pampiri nngwe mo karateng ya ngwana, a re seo se tlwaelesegile mo tsebeng e e nang le seemo sa mogare sa batsadi. A re batho ba ka sekisediwa go kgagola sedirisiwa sa puso. O supile gape fa bomme ba ba sa itlhatlhobeng fa ba le baimana ba baya masea a bone mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare. A re ba bongaka ba na le tetla ya go tlhatlhoba ngwana le fa mmangwana a seyo. Mme Maphane a re go botlhokwa go fa bana tlhokomelo e e rileng gore ba nne le bokamoso jo bo siameng. Mooki kwa kokelwaneng ya Boseja/Kubung, Mme Keitumetse Motsholapheko a re maikaelelo a letsatsi leo ke go rutuntsha batho ka botsogo jwa bana, bogolo jang ka thibelo ya mogare. A re go tlhokafala gore bana ba nne le botsogo jo bo itekanetseng. Letsatsi leo le ne gape le na le metshameko ya bana, le go itlhatlhobela malwetse a a farologaneng ke bagolo. education 4 Matlho otlhe a lebile Khawa Matlho otlhe a tlaa bo a lebile kwa Khawa kwa go tlaa bong go tshwaretswe maitiso a Khawa Dune Challenge & Culture Festival a a tlaa tshwarwang ka Labotlhano go fitlhelela Tshipi. Khawa ke motse o o dikhilomithara di lekgolo, masome a marataro le bosupa go ya ntlheng ya borwa jwa Tsabong o o segofaditsweng ka ditotoma tsa mmu tse di ratwang bobe. Molomaganya mafoko mo lephateng la tlhabololo banana, metshameko le ngwao mo Kgalagadi, Mme Betty Gaotilwe o tlhalositse fa Khawa Dune Challenge e simologile ka 2012. Mme Gaotilwe mo potsolosong le BOPA o boletse fa mo nakong ya gompieno ba setse ba bopile komiti e e eteletsweng pele ke molaodi e e setseng e le malala a laotswe go rulaganya le go tlhomamisa gore moletlo o a atlega. A re ba lephata la tlhabololo banana metshameko le ngwao le ba BTO ke bone botshoso e rweleng mo go rotloetsang moletlo oo ka madi. Mme Gaotilwe a re maikaelelo magolo a Khawa Dune Challenge & Culture Festival e ne e le go oka bajanala le go tsosolosa ngwao ka bodiragatsi,go tlhabolola matshelo a banni ba koo ka ba ka kgona go ja swengwe mo tdikgwebog tsa malatsi ao. O kaile fa ditotoma tsa mmu tse di bonwang kwa motseng oo di setse di isitse serodumo sa Kgalagadi kwa mankalankaleng ka jaanong o itsege kwa mafatsheng a a kgakala. A re moletlo oo o gola ngwaga le ngwaga, a kaya fa ngogola o ne o tshologetswe ke batho ba ka feta dikete tse di lesome le bobedi mme ngwaga ono ba solofetse dipalo tse di kwa godimo go feta tseo. Mme Gaotilwe o supile fa ba setse ba tlhophile ditlhopha tsa bodiragatsi di akaretsa tsa mmino wa polka, tsutsube, borankana, dikhwaere le tse dingwe go natefisa maitiso mo malatsing a Khawa Dune Challenge tse e leng tsone tse di neng di gaisitse tse dingwe mo dikgaisanong tsa malatsi a ga Tautona mo ngwageng oo fetileng. O kaile fa metshameko e e solofetsweng go natefisa malatsi ao e akaretsa metshameko ya dithuuthuu, dikammela, metshameko ya kgwele ya dinao le e mengwe. A re ka jaana lephata la gagwe maitlamo magolo a lone e le go tlhabolola matshelo a banana le go tsosolosa ngwao, ditlhopha tsotlhe tse di tlaa bong di jesa monate di tlaa kgona go oba letsogo e le tsela nngwe ya go ba tiisa moko. Molomaganya ditiro o tlhalolositse fa ba solofetse balalediwa ba tlotla ba akaretsa Tauona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama yo e leng ene morotloetsi mogolo, tona wa lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao, gareng ga ba bangwe. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Mogokgo o lela ka maitsholo a bana Mogokgo wa sekole se segolwane sa Moeng College, Rre Abram Thapedi, a re ga a itumedisiwe ke maitshwaro a bana ba sekole sa gagwe a a bolelang a dule mo taolong. A re barutabana ba sekole sa gagwe ba leka bojotlhe go tsenya bana mo tseleng mme ba itaya se fololetse. Rre Thapedi o ne a bua jalo kwa kabo dimphong ya sekole sa Moeng bosheng. O ne a kopa batsadi ba bana ba ba tsenang kwa sekoleng sa gagwe go tshwaraganela le barutabana tiro e tona ya go ba tsenya mo tseleng. A re bana ba sekole sa gagwe ba dule mo taolong gotlhelele ka ba dira ditiro tse di duleng mo tseleng e bile ba sa tlhoafalela dithuto. A re bangwe fa dithuto di tsweletse ba a robala fa bangwe ba kgona go ngwega mo sekoleng mme ba bangwe ba utswela ba bangwe mo matlong a borobalo. Rre Thapedi a re tiragalo nngwe e e neng ya mo utlwisa botlhoko bosheng ke e bangwe ba baithuti ba neng ba tlhaga mo sekoleng dithuto di tsweletse ba ya go bolaya kgwathe kwa morakeng mongwe. A re bogogi jwa sekole bo ne jwa dira maiteko a go ya go ba batla mme ba fitlhela ba apeile kgwathe kwa morakeng o beng ba one ba neng ba se yo. A re go utlwisa botlhoko ka bone e le barutabana ba leka bojotlhe go betla bokamoso jwa bana mme bone ba sa tlhoafala. A re bana ba sekole sa gagwe ba nna mo sekoleng botlhe, ka jalo motho a ka solofela fa ba tlaa ntsha maduo a a nametsang ka ba na le nako e ntsi ya go ithuta jaanong ba dirisa nako ya go ithuta mo go tse di duleng mo tseleng. Rre Thapedi a re bothata jo bongwe jo botona jo bo mo sekoleng sa gagwe ke boimana jwa bana. education 4 Monana o ipelafatsa ka poko ya setso Banana ba tsweletse ka go dirisa ditalente tsa bone ka go farologana go itshetsa ga mmogo le go supa bokgoni jwa bone. Rre Loago Timothy wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa wa motse wa Mmathethe mo kgaolong ya borwa o tsweletse sentle ka go itshupa bothakga ka talente ya gagwe ya poko. Rre Timothy a re o sale a kgatlhegela go boka a santse a le ko sekolong se segolwane ka a ne a na le ditsala tse di ratang poko ga mmogo le bodiragatsi jwa motshameko wa drama, mme seo sa nna toro ya gagwe gore a tswelele pele a ntse a diragatsa ka e bile a rata puo ya Setswana le go tshameka ka mafoko. A re morago ga go fetsa dithuto tsa dikolo tse dikgolwane kwa Gaborone, o ne a bona gole botoka go ka ipapatsa go boka mo meletlong e le nngwe tsela ya go dira madi go itshetsa. “Poko ke nngwe ya bodiragatsi jo bo saleng botswa goo lowe, e bile go boka go ka supa boitumelo, ngongorego kana thuto. Gape fa ole mmoki o tshwanetse wa tlhopha leboko le le tsamaelanang le morethetho wa moletlo ga mmogo le boleng jwa motho kana sengwe fela se o eletsang go se boka, ka nako e e rileng”, ga tlhalosa Rre Timothy O boletse fa a rata poko ya bogologolo ka e sa patiwa ka diletso dipe, ka jalo fa ole motho yo o reetsang ka tlhwaafalo o nne le sebaka sa go tlhaloganya tota gore mmoki o bua ka eng ka nako e ntsi go dirisiwa puo e e bofitlha kana Setswana se se tlhokang tlhaloso. A re o rata go boka a dirisa seditse le tlhobane, mme o itumela thata fa gona le mogolokwane wa motia. Rre Timothy a re, mo pokong ya maloba mmoki o ne a ikgethela boremelelo ja leboko la gagwe mme a itebaganye le seo a sa tswakanye melaetsa e e farologaneng. “Gore o gole mo mererong ya bodiragatsi kefa o bereka le badiragatsi ba bangwe, e bile ke yone nako ya go ithuta fa o tlhaelang teng, ka jalo nna tota ke dirisanya le baboki ba bangwe go ithuta ka Setswana se re moroto wa osi ga o ele”, ga bua Rre Timothy. A re o setse a kile a tsenelela dikgaisano tsa bodiragatsi tsa ga Tautona tsa poko mo dingwageng tse di fetileng mme a tsaa maemo a boraro mo dikgaisanong tsa kgaolo ya borwa. Mo nakong ya gompieno a re o tsweletse ka go rutuntsha bana ba dikole tse di potlana ka bodiragatsi jwa poko gammogo le jwa motshameko wa drama. Rre Timothy a re morotloetsi mogolo wa gagwe ke Rre Sengwato Rampha yo e leng moeteledipele wa setlhopha sa bodiragatsi jwa drama ya Gaga-Jwa-Pharing kwa Gaborone. A re o leboga thata Rre Sengwato ka go nna le seabe mo kgolong ya gagwe. O ne a rotloetsa banana go supa bothakga jwa bone le go dira ka natla mo go tse ba di kgonang bogolo jang ka mo dinakong tsa gompieno talente e kgona go tshetsa motho go gaisa le ene yo o berekang tota. arts_culture_entertainment_and_media 0 Dinoga le dipeba di apesitse sekole kobo ka letshoba Bontsi jwa dikole kwa kgaolong-potlana ya Serowe di butse ka Labobedi fa dingwe di rakane le lerwa le fuduga. E ne ya re ka Labobedi, lekoko la BOPA la tswa letsholo go lekola dipaakanyo kwa dikoleng kwa le fitlhetseng bana ba ba bulang mo lekgamung la ntlha mme ba ya go re palakata! kwa sekoleng sa Makolo kwa kgotleng ya Ramakolo kwa Serowe. Sekole seo go bolelwa se butswe ka meno a maleele. Dithuto di ne tsa seka tsa tswelela ga nna gore khuduthamaga ya batsadi le barutabana ba rutane ka tsamaiso ya ipabalelo mo kanamong ya mogare wa corona. Mo potsolotsong le mogokgo, Mme Dimpho Lefhoko o boletse fa mo sebakeng se dikole di neng di tswetswe, sekole sa bone ka se le fa gare ga sekgwa, ba tlhorontshiwa ke dinoga tse ditona tse dintsho le dipeba tse di hudugetseng mo sekoleng. A re go lebega fa dinoga tseo di ne di latile dipeba tse di ba jesetsang mo kgobedung kwa ntlong ya boapeelo. Mme Lefhoko o boletse fa ba ikuetse kwa khanseleng ya legare go thusiwa ka dipeba mme selelo sa bone se se na mogomotsi. O boletse fa dinoga ba di bona nako le nako, selo se se sa siamelang tulo ya bana ba sekole le eseng, a bolela fa nako le nako ba di bolaya teng mo sekoleng e bile ba bolaya tse dintsho tse di tona tse di lebegang e le mekwepa. A re e rile bosheng ba fitlhela moitlobo wa noga mo ntlong ya boapeelo, a bolela fa o ne o le moleele go supa fa e le wa noga e kima e telele. O boletse fa mabati a ntlo ya boapeelo a onetse e bile diphatlha tsa teng go belaelwa gore di letlelela dinoga le dipeba, a bolela fa marulelo le one a le makgasa e bile e le gone kwa dipeba di tsalelang teng. O boletse fa se se botlhoko gape e le bommamathwane ba ba nnang mo marulelong a matlwana a borutelo. O boletse fa dinonyane tseo seka-diphologolo di rota di bo di nyelela mo matlwaneng a borutelo mme ditshwang tsa teng di kgaola molebo wa nko. Mme Lefhoko o boletse gore le fa ba butse ga ba a ipaakanya jsentle. A re metsi a santse a le tsididi ka gore tanka e e diretsweng ga e thuthafatse sentle e bile e beilwe fa go seloko teng. Marulelo mangwe a matlwana a borutelo a santse a rutlomolotswe mme go tletse makgerekgetshane fela mo sekoleng. O boletse fa ba kile ba leka go bitsa batlhatlhobi ba dikole go tla go bona mathata a sekole seo, mme nakokgolo ke eno ga go nko e tswang lemina. health 6 Otswakae o busa kwa Mokgware Batswana ba rotloediwa go sala morago thulaganyo ya Ntlo Ya Dikgosi ereng pele fa go bewa bogosi ba ba amegang ba tswe ka leina go itsa dikgogakgogano. Seo se builwe ke Mothusa Kgosi wa Palapye ebong Kgosi Michael Maforaga fa a tlhoma Kgosi Mercy Otswakae mo Kgotleng ya motse wa Mokgware go nna Kgosi. Kgosi Maforaga o ne a tlhalosa fa a ne a rumilwe ke ba Kgotla kgolo ya ga Mma-Ngwato. O ne kgothatsa Kgosi Otswakae go nna Kgosi ya motia a tlhalosa fa bogosi e le go direla morafe ga se borena. Kgosi Maforaga o tlhalositse gore go tlhomiwa motho yoo nang le bokgoni a nonofile mo tlhaloganyong ibile a nale temogo gape a nonofetse go ka dirwa tlhogo ya setshaba. Kgosi Maforaga o ne a tswelela a bolela gore ka setso bogosi bo a tsalelwa ke ka moo bo sa elweng ditlhophong. O tsweletse gakolola mme Otswakae gore kgosi ke thothobolo, a amogele sengwe le sengwe tse dintle le tse di maswe tse ditlang mo go ene ebile ke ene matlho a puso mo setshabeng. O mo rotloeditse gore dikgang tsa morafe di buelwa mo Kgotleng eseng mo malwapeng a tswelela a mo tlhalosetsa gore a fokotse botsala gape e nne motho yo o boikobo mo setshabeng. O ne a mo lemotsha gore Kgosi o tshwanetse go itlotla, go tlotla Kgotla ka go bua le go apara ka fa go tshwanetse a tlhalosa fa motho wa mme a sa tshwanela go apara borokgwe mo kgotleng. A re go dira jalo morafe le one o tla mo tlotla. E rile fa a lebaganya mafoko le morafe, o kopile banni ba Mokgware le tikologo go amogela Kgosi ya bone le go bereka le ene ka tlotlo le kagiso. Fa a ntsha la gagwe lefoko, Kgosi wa Mogome Kgosi Balebetse Sesinyi o rotloeditse morafe go bereka sentle le go amogela Kgosi ya bone ka lerato le gore ba dirisane le ene sentle ka mowa o le mongwe fela. Bokhutlo politics 7 Tebogo se ipelela dingwaga tse masome a mane E rile ka bosheng sekole se se botlana sa Tebogo kwa Selebi Phikwe se bo se tshwere moletlo wa go ipelela dingwaga tse di masome a mane se ntse se dira, ga mmogo le go nna bommampodi ba ditlhatlhobo tsa lokwalo lwa bosupa ba kgaolwana ya Selebo e e nang le dikole potlana di le masome a mane le bobedi go tswa kwa Selebi Phikwe, Bobonong le Mmadinare. Motshwara madi wa komiti ya sekole ya batsadi le barutabana, Rre Donald Sanana a re komiti ya bone e dira sentle fela thata ka ntlha ya tirisano mmogo fa gare ga batsadi, barutabana ga mmogo le baithuti. O supile fa tirisano mmogo eo e le yone e dirileng gore sekole seo se fitlhelele maitlamo a sone lego dira ka natla mo dithutong.Mogokgo wa sekole, Rre Boyckel Kagiso ene o tlhalositse fa sekole sa gagwe se tsere maemo a ntlha ka 98.6% mme e bile baithuti ba le babedi ba sekole seo e le bangwe ba ba lesome ba ba gaisitseng Botswana otlhe. O lebogile khansele ya Selebi Phikwe go ba ema nokeng mo go tsamaiseng sekole ka thelelo. Rre Kagiso o iteetse batsadi legofi go bo ba kgathala ka thuto ya bana ba bone le gone go dirisana sentle le barutabana. O boletse fa ba lebanwe ke kgwetlho ya baithuti ba ba nnang kgakala le sekole a kaya fa ba tshabelelwa ke go tsena thari mme seo se ama dithuto tsa bone. O kgothaditse baithuti go ikgapha mo nno taging le tsotlhe tse di ka bayang bokamoso jwa bone mo diphatseng. Rre Motsile Sibanda go tswa komponeng ya BCL o supile fa maduo a a kgatlhisang a sekole e le sesupo sa gore botsamaisi jwa sone bo tlhomile matlho mo letshegong la Tebelopele ya 2016 la tshaba e e rutegileng e bile e na le kitso. O tsweletse a re barutabana ba tshwanetse go akgolelwa tiro e ntle e ba e dirang ya go ruta baeteledipele ba lefatshe ba kamoso. Rre Sibanda o supile fa go bereka ka natla go na le maduo a a molemo e bile gape le boitshwaro jo bontle jwa baithuti bo nnile le seabe mo go direng sentle ga bone. O kgothaditse baithuti go tswelela ba itshwara sentle le go babalela didirisiwa tsa sekole a kaya fa go di senya go ka baya thuto le bokamoso jwa bone mo diphatseng. E ne yare a ntsha la gagwe, morutabana Rre Bernard Lombhala a tlhalosa fa go ne go se motlhofo go tsaya maemo a ntlha mme a supa fa go bereka ka natla le go thusana ga baithuti go ba bereketse fela thata. Mothusa ratoropo, Rre Odirile Kelebetse ene o tlhalositse fa boeteledipele jwa toropo bo ikaeletse go tswelela ba tlhomamisa gore dikole le matlo a barutabana di mo seemong se se kgatlhisang, a supa fa ba sa tswa go simolodisa kago ya matlo a barutabana. Moithuti wa pele wa sekole seo, Thato Safe o kgothaditse baithuti ba lokwalo lwa bosupa ba mono ngwaga go itshepha, go bereka ka natla mo dithutong tsa bone ga mmogo le go thusana gore ba tle ba kgone go sireletsa sekgele se ba se tlogeletsweng ke bo mogoloabone. education 4 Dikereke di maoto a tshupa Kgosi wa motse wa Letlhakane Rre Baruntshi Kegapetswe o tlhalositse fa dikereke dingwe mo motseng wa gagwe di le maoto a tshupa mo go tsibogeleng ditiro tsa morafe. Kgosi Kegapetswe o buile jalo ka Laboraro Motsheganong a tlhola malatsi a le lesome le bone kwa maemelong a dibese kwa Letlhakane jaaka go ne go tshwerwe segopotso sa go rapelela motse kgatlhanong le dikotsi tsa ditsela tse di diragetseng di le dintsi mo bosheng e bile di gapile matshelo a batho. Kgosi Kegapetswe o boletse fa a tshwenngwa ke dikotsi tsa ditsela tse di tsweletseng ka go gapa matshelo a batho ka dipalo tse di kwa godimo. O ne gape a re o tshwenngwa ke dipolaano tsa batho, boimana jwa bana ba dikole le nnotagi e e dirisiwang phetelela mo motseng. O gakolotse baruti ba dikereke tsotlhe kwa Letlhakane go nna seopo sengwe ka se se ka thusa dikereke, maphata a puso, banni ba motse go bereka mmogo go ka rarabolola mathata a apereng motse oo. E ntse e le kwa letsatsing leo, kgosi o tlhalositse fa dipalo di supa fa dikereke di feta makgolo a mabedi kwa Letlhakane mme bontsi jwa tsone di sa tsiboge le fa boeteledipele jwa motse bo kua mokgosi go di laletsa go tla go tsaya karolo mo ditirong tsa motse. Kgosi Kegapetswe a re go lebega go farologana ka tsela ya go rapela Modimo go dira gore dikereke tsa Letlhakane di seka tsa kgona go kopanela ditiro tsa motse. O tsweletse a re digongwana dingwe tse di ipopileng di ipitsa ka leina la kereke di a tshwenya ka go oketsega mme di sa kgone go tsenelela tiro epe e tlhokang thuso ya kereke. Kgosi a re, “Bogologolo re ne re utlwa gotwe dikgosi dingwe di ne di koba dikereke mo metseng mengwe ka go bo di gana go sala tsamaiso ya morafe morago mme ke bona okare se se diragalang mo Letlhakane se re gwetlha go tsaya tsela eo, ke ipotsa gore go pala eng gore dikereke di kopanele tiro ya setshaba.” Kgosi Kegapetswe a re seemo se a se bonang mo motseng wa Letlhakane se tlisa pelaelo ya gore kereke jaanong e dira se sele sa go phatlalatsa morafe go na le go o bopaganya. “Re le baeteledipele ba motse jaaka magosi re golotse morafe go rapela jaaka ba batla jaanong bothata ke gore ga ba re reetse.” O gwetlhile lekgotla la baruti le le okametseng dikereke go bitsa morafe go tla go bua ka seemo se. A re,“Le tshwanetse la bua ka dilo tse di tshwenyang mo motseng jaaka dikotsi, boimana jwa banana, ditumelo tse di kgoreletsang bana ba dikolo go ithuta sentle le tsotlhe tse di bosula.” O supile gore seemo sa gore dikereke dingwe di lebega di ntsha setshaba mo tseleng, se tshwentse puso, a tlatsa ka gore go utlwisa botlhoko thata go bona lefatshe le kgaogana ka bogare ntateng ya ditumelo tse di sa tsamaisaneng ntswa e le tsa Modimo tsotlhe. A re, “Maikaelelo a me ga se go kgala tumelo ya ga ope, ke eletsa go bona re dira se eleng boammaaruri jwa ditumelo tsa rona e seng sepe gape.” Kgosi Kegapetswe o tsweletse a re, o setse a belaela gore ba ba sa kgatlhegeleng go tsenelela tiro ya go rapedisa setshaba ka maikaelelo a go fokotsa dikotsi tse di gapang matshelo a batho, ke bone ba ba utlwalelwang gotwe ka tumelo ya bone ba tshela ka go nwa madi a batho ba ba tlhokafetseng. “Ke a tshwenyega dikereke di tshwanetse tsa nna le seabe se se bonalang mo tirong e. Baruti ke lo laela gore le itshekatsheke mme le felele le re bitsa go tla go kopanela tharabololo ya seemo se,”kgosi a tshwaela. Modulasetilo wa lekgotla la baruti le le okametseng dikereke la Ministers Fraternal, Bishop Boitshwarelo Mopedi o boletse fa le ene a tshwenngwa ke dikotsi tsa tsela, bolwetse ja HIV/AIDS ga mmogo le go runya ga dikereke tse dintsi mo motseng wa Letlhakane e bile dingwe tsa tsone di sa itsiwe ke boeteledipele jwa motse le lone lekgotla la baruti tota. Bishop Mopedi o kgothaditse maphata a puso, mapodisi le dikereke gore di kopanele go rarabolola mathata a a mo motseng wa Letlhakane. Rre Mopedi o kgothaditse bakgweetsi le batsamaya ka dinao go fetola maitsholo a bone mme a gakololola dikereke tsotlhe tsa Letlhakane go nna le kgatlhego ya go tsenya letsogo mo ditirong tsa motse. O tsweletse a kopa gore ba sepodisi ba nne le didirisiwa tse di ka namolang batho ka bofefo mo dikotsing tsa tsela ka se se ka boloka matshelo a ba ba amegang mo dikotsing tseo. Mookamela Mapodisi a pharakano a District NO 8 Superintendent Khumo o tlhalositse fa le ene a tshwenngwa ke dikotsi tsa tsela le tiriso ya nnotagi phetelela. Supt Khumo a re monongwaga bakgweetsi ba le 337 ba atlholetswe molato wa go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng fa ba le 134 ba tshwerwe ba kgweetsa ka fa tlase ga kgatelelo ya nnotagi. A re ba le 32 ba ne ba kgweetsa ntle le kelelelo, a tlatsa ka gore mo dikotsing tsa tsela tse ba di kwadisitseng mono ngwaga di le 43 go tswa kgwedi ya Hirikgong go tsena ya Motsheganong go setse go tlhokafetse batho ba le lesome. Moruti wa Kereke ya Family of God, Mme Bonyana Mmale o tlhalositse gore go tlhoka boikarabelo le boitsholo jo bo sa siamang ke gone go nyeletsang setshaba. O tlhalositse gore mmaba o gaketse mme o ka kgonwa fela ka thapelo. E rile a tswala tirelo ya letsatsi moemedi wa lephata le le lomaganyang ditirelo tsa botsogo mo Boteti la District Health Management Team Mme Bagele Nalebomo a leboga setshaba ga mmogo le dikereke tsotlhe tse di nnileng le seabe mo go rapeleleng motse wa Letlhakane kgatlhanong le dikotsi tsa tsela tse di gapileng matshelo a batho. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Borukutlhi jwa ditlankana bo tlhobaetsa ba kabo ditsha Lephata la thuto go tswa kwa moding le kopane le makalana a a itebagantseng le ditshwanelo tsa ba-na-le bogole le boloditse letsholo la go ruta setshaba le go ngoka ba-na-le seabe go tshwaraganela thuto ya batho ba ba tshelang ka bogole. Se se builwe ke mogolwane mo lephateng la thuto Mme Veronica Ramaribana kwa moletlong o maikaelelo a one e neng e le go tsibosa morafe ka ditirelo tsa thuto tse di lebaneng bana ba ba tshelang ka bogole kwa Tobane. Mme Ramaribana o supile fa letsholo la go tsibosa setshaba le go tsaya megopolo le simolositswe semmuso ke mothusa tona wa thuto go tswa kwa moding ka 2018 kwa Francistown. O ne a supa fa ba setse ba tsamaile mafelo a le mmalwa mme maduo a letsholo le a setse a bonala ka ba dira jaana ba kopane le makalana a a farologaneng mme mangwe a one a tswa kwa mafatsheng a sele. A re ba setse ba kgonne go romela bana ba ba-tlhoka kutlo ba le lesome le botlhano dithutong kwa Afrika Borwa, a supa gore barutabana le bone ba le lesome le boraro ba setse ba rometswe go ya go rutintshiwa ka go ruta bana ba ba tshelang ka bogole. O ne a supa fa bogole bo farologana bongwe e le jwa tlhaloganyo, jwa mmele le jwa go tlhoka pono le kutlo mme a supa fa se se sa reye gore motho wa go nna jalo ga a na bokgoni. Mme Ramaribana o supile fa keletso ya bone e le go bona bana ba ba tshelang ka bogole ba akareditswe mo go tsa thuto, mme a kopa batsadi ba bana ba ba tshelang ka bogole go ikopanya le bommaboipelego go ba thusa fa ba sa tlhaloganyeng gone. E ntse e le kwa moletlong oo, modulasetilo wa khansele-potlana ya Bobirwa Rre Silvester Masweu o ne a re maikaelelo magolo a bokopano ke gore kwa bofelong ba- na-le seabe ba tshwana le makalana a a ikemetseng, baeteledipele ba motse le batsadi ba bo ba ka nna le seabe go bona gore ba-na-le bogole ba tsena dikole. Rre Masweu o supile fa lephata la thuto le dira go le g ntsi gore ba-na-le bogole ba bone thuto ka e setse e katisitse barutabana ba ba itebagantseng le go ruta ba-na-le bogole ba le lekgolo le masome a ferabobedi le boferabobedi. O ne gape a supa fa go setse go tlhapilwe ka nakwana dialogane di le masome marataro le bosupa, go fokotsa letlhoko la barutabana ba ba itebagantseng le ba-na-le bogole. Kwa bofelong modulasetilo wa mokgatlho wa Botswana Federation Of the Disabled e bile a direla kwa lephateng la thuto go tswa kwa moding Rre Wabotlhe Chimidza, o supile fa ditshwanelo tsa ba-na-le bogole di tshwanetse go emelwa ka dinao. Rre Chimidza o ne a supa gore dikago ka bontsi di santse di baya ba-na-le bogole ka fa mosing ka dingwe tsa tsone ba sa kgone go di dirisa. O ne a supa fa mokgatlho o na le seabe se se golo ka o tshwaragane le ba lephata la thuto go ba gakolola ka tse di amang ba-na-le bogole le gore ba tsibosa ka tse ba di tlhokang go ba tlhofofaletsa botshelo. Rre Chimidza o ne a supa fa molao-motheo wa Botswana o sa bue sepe ka ba-na-le bogole mme a supa fa dipuisanyo di santse di tsweletse go o baakanya. Bokhutlo politics 7 Tshwaragano e ka tsisa maduo Batsadi ba Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba dumalane ka bongwefela jwa pelo fa go nna seopo sengwe le barutabana e le yone fela tsela e e ka thusang go ntsha maduo a a itumedisang a baithuti, mme go supasupana ka monwana fa bana ba sa dire sentle go ka se thuse sepe. Batsadi ba re ba tshwentswe thata ke kwelotlase ya maduo a baithuti ba ba sa tswang go fetsa lokwalo lwa bosupa mme ba amogela fa batsadi bangwe ba le moriti o tsididi fela, ka ba sa tseye dikgato tse di maleba ka bana ba bone ba ba sa tseneng sekolo sentle. Ba buile seo mo phuthegong ya batsadi le barutabana e e neng e tshwerwe bosheng kwa sekoleng seo. Batsadi ba ne ba supa fa ba nna ka bohutsana fa bana ba sa dira sentle mme ba supa fa go ngongorega barutabana ka nako tsotlhe fa maduo a tla a sa itumedise e le poelo morago, mme kemokenong ya bone e le botlhokwa. Ba supile fa dikole tse di mabapi le motse wa bone di tshwana le Tshwaane le Khekhenye di dira sentle fela thata ntswa le tsone di lebanwe ke dikgwetlho tse di tshwanang fela le tsa bone, mme fela katlego ya dikole tseo e ikaegile ka popagano ya barutabana le batsadi. Ba ne ba supa fa ba tlhaloganya fa bokamoso jwa bana bo le mo diatleng tsa bone ebile seabe sa bone se le botlhokwa thata mo thutong ya bana, mme ba solofetsa fa ba tlaa leka ka bojotlhe go rotloetsa bana go tlhagafalela thuto ka e le yone konokono ya botshelo jwa bone. E ne e rile go le pele, mothusa mogokgo wa sekolo seo, mme Rinah Tlalanyane a itela mo batsading go ba thusa go potlakela seemo sa maduo a baithuti a a welang tlase ngwaga le ngwaga. A re go tlhoka kemonokeng go tswa mo botsading go ba thatafaletsa tiro ka ba itlhokomolosa diphuthego tsa batsadi le barutabana,mme a ikuela mo batsading gore ba thusanye le bone ka go lekola dithuto tsa bana le gone go tswa maano a go tokafatsa seemo sa thuto ya bana. A re ba lebanwe ke dikgwetlho di le mmalwa di tshwana le go tla nako e fetile ga bana, go tlogela sekolo ka dipalo tse dintsi mme a supa fa popagano le tshwaragano ya bone le batsadi e le yone fela e ka thusang go tokafatsa seemo seo. A re bana le bone go lebega ba sa dire sentle mo dithutong ka ba lebanwe ke dikgwetlho tse di ba fitileng, mme a ikuela mo batsading go emisa mokgwa wa go tlogela bana ba le nosi ba ya masimo a supa seo e le sone se rotloetsang gore bana ba seka ba tsena sekolo sentle. A re baithuti ke peo ya lefatshe leno, ka jalo ba tlhokana le thotloetso ya botsadi le barutabana go ba rotloetsa go nosetsa peo e go tsholetsa itsholelo ya lefatshe leno, a tlatsa gape ka go tlhalosa fa babusi ba kamoso ba lefatshe leno e le bone baithuti. education 4 Banana ba ipaakanyetsa pitso Banana ba kgaolo ya Mahalapye ba letse ba phuthegile go ipankanyetsa Pitso ya banana e e tlaa tshwarelwang kwa Maun kgwedi eno, e tlhogo ya yone e leng “Phetolo boitsholo: Moono wa go rotloetsa phetogo le maikarabelo mo monaneng.” E rile mogolwane wa banana mo kgaolong ya Mahalapye Mme Tootini Mogopa a tlhalosa maikaelolo a pitso eo, a re tlhogo e ya monongwaga e gwetlha banana go fetola dikakanyo tsa bone ebile gape e ba bulela diphatlha tse dintsi go tokafatsa matshelo a bone ka go tswa ka megopolo e me ntsi. Mme Mogopa o boletse fa pitso eo, e ya go fa banana sebaka sa go buisana ka dilo tse di ba amang e bile di na le seabe mo matshelong a bone. A re sebaka se sa go kopana e le banana se ka ba thusa gape ka go senola tomagano e e tsepameng gareng ga banana le batsadi ba bone mo mererong e e amang banana ka kakaretso. Mme Mogopa o gateletse gape gore banana ba tshwanetse ba dirisana le bagolo le bagogi ba motse ka maikaelelo a go tla ka ditlhabololo tsa sennela ruri mo motseng wa Mahalapye. A re banana ba tshwanelwa ke go tshwaragana le go nna le boikarabelo mo setshabeng, go ipela ka bonana jwa bone mo lefatsheng leno la Botswana e bile ba nne le seabe mo go godiseng serodumo sa lone. A re mo pitsong eo gape go ya go buiwa ka go nonotsha le go gatelela tirisanyo mmogo fa gare ga banana le batsadi le go neela banana sebaka sa go isa melaetsa ka mananeo a a farologaneng a a ka tokafatsang matshelo a bone mo dikgaolong tsa bone ka go farologana. Mo ipankanyong eo banana ba Mahalapye ba supile moono o le mongwe wa go ya go rola kwa pitsong eo dikgang di tshwana le go dirisiwa botlhaswa ga ditagi le motokwane ka ba akanya fa go ka nna molemo fa puso e ka tsenya letsogo thata mo kgannye eo le gone go tswa ka metlhala mengwe ya go tlhamela banana ditiro tsa sennelaruri. BOKHUTLO education 4 Sepodisi se bolotsa letsholo Ba sepodisi sa Bobonong ba boletse fa ba ikaeletse go gagamaletsa bagwebi ba bojalwa setoropo monongwaga. Fa a bua mo phuthegong le bagwebi bangwe ba bojalwa bosheng, mogolwane wa sepodisi, Rre Michael Maphephu, o supile fa bojalwa e le jone bo bakang dikotsi tsa tsela, dipetelelo gammogo le dikiteo jalo a re ba tla a bolotsa letsholo go simolola Sedimonthole a le lesome le borobabongwe go fitlha Ferikgong a le botlhano go leka go emisa go gweba ka bojalwa mo mafelong a a sa letlelelweng a akaretsa masimo. Rre Maphephu o supile fa masimo e le mafelong a a kgethetsweng go lema le go rua mme batho bangwe ba a dirisa go nwela bojalwa teng segolo jang ka malatsi a keresemose fa go le dikhwaere. Rre Maphephu o supile fa monongwaga ba tla leka ka tsotlhe tse ba nang le tsone go emisa go gweba ka bojalwa kwa masimong a ba a gatelela fa ba tla tseela batho ba ba dirang jalo dikgato tse di gagametseng. O kopile bagwebi ba bojalwa go dirisana sentle le mapodisi ka malatsi a botsalo jwa morena. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa ofisi ya Bye Law ya Bobonong, Rre Douglas Segakisi a re ba tshwenngwa ke dibara dingwe tse di robang moalo wa thekiso ya bojalwa mo motseng oo ka dingwe di sa bule le go tswale ka nako e e tshwanetseng. O tsweletse a supa fa go na le bangwe ba bagwebi ba bojalwa ba ba rekisetsang bana ba kwa tlase ga dingwaga tse lesome le borobabobedi dinotagi. Rre Segakisi o kaile gape fa modumo o montsi wa diletso mo dibareng e le nngwe ya matshwenyego a ba nang le one mo motseng oo ka gore o itsa batho segolo jang bagolo go robala sentle, ka jalo o kopile beng ba dibara go bona gore diletso di leletswa kwa tlase. Rre Segakisi a re ba na le tetla ya go tsaya teseletso ya mogwebi mongwe le mongwe wa bojalwa yo o sa obameleng molao. Fa a latlhela la gagwe mogolwane wa o mongwe wa ofisi eo Rre Shimane Lisenda o boletse fa bagwebi ba bojalwa jwa Setswana ba tshwanetse go ikwadisa kwa dikgosing fa ba batla go dira kgwebo ya mothale oo. A re bagwebi ba bojalwa ba tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go ela tlhoka gore bojalwa bo nwelwa mo mafelong a a tshwanetseng le gore bana ga ba rekisediwe bojalwa. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Morafe o kopiwa go amogela diphetogo Mogolwane wa ofisi ya Ditlhopho kwa Kgaolong ya Mogoditshane/Thamaga, Rre Khumo Lebang o kopile morafe go amogela diphetogo tse di tlang le tshekatsheko ya molao wa tsamaiso ya ditlhopho. Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Ga-Morepo kwa Thamaga Labobedi, mogolwane wa ofisi ya ditlhopho (IEC) mo kgaolong ya Mogoditshane/Thamaga, Rre Khumo Lebang a tlhalositse fa diphetogo tsa molao di akaretsa dikotlhao tsa ipapatso kwa matlhophelong, go fudusetsa thopho kwa o sa nneng teng tse di tlaa yang go nna P7 000 go tswa mo go P2 000. Rre Lebang o gakolotse ka botlhokwa jwa go dira dilo ka tolamo go hema go nna batswa setlhabelo ka dikotlhao tse di bakilweng ke ditshekatsheko tse di dirilweng mo molaong wa tsamaiso ya ditlhopho. Maikaelelo magolo a diphuthego tsa ba ofisi ya ditlhopho go ya ka Rre Lebang, e ne e le go lekodisa morafe ka dingwe tsa diphetogo tse, bogolo segolo di ka ama batho ka bongwe e sare kgotsa ba iphitlhela fa gare ga naka tsa nare ka go tlhaela kitso. E re ntswa morafe o ne o eletsa go utlwa ka diphetogo tsa go tlhopa ka motshine, mogolwane wa ditlhopho o ne a gakolola fa kgang eo mo nakong e e santse e beilwe botsetsi ka jaana e le fa pele ga makgotla a ditsheko ke nngwe ya diphathi tsa sepolitiki. Morafe o ne wa gakololwa go ipaakanyetsa ikwadisetso ditlhopho e e yang go simolola Lwetse a tlhola ga raro go ya kwa go Ngwanatsele a le lesome le motso. A re thulaganyo e, e tlaa thoka iketleetso ka jaana e sa ye go nna le poeletso jaaka e ne e ntse e le tlwaelo. “Lebaka le le beilweng la dikgwedi tse pedi le sephatlho le tlhoka go re batho ka bongwe ka bongwe ba ititee ka thupana go netefatsa gore ba ikwadisa mo lobakeng lo lo beilweng gore ba seka ba kgaphelwa ntle ke tsamaiso ya nako eno. Nngwe ya ditekodiso tse di beilweng morafe pele ke ya madi a a yang go lopiwa ba ba tlaa tsenang mo lebelong la go emela ditlhopho a P1 000 le P5 000 wa mokhanselara le mopalamenete go tswa mo go P100 le P500. Kgosi Letebele Monare wa kgotla ya kwa Ga-Morepo o ne a supa fa a tshwenngwa ke kgolo ya dipalo tsa batho ba kgaolo eo ba ba senang Omang, ka tlhobaelo ya gore ba ya go kgaphelwa ntle go nna le seabe mo go tseyeng karolo ka nako ya ditlhopho. Kgosi Monare a re seemo se, se tlhoka go fefogelwa ka jaana se beile ka fa mosing morafe o bontsi jwa one bo tlhaelang kitso ka ntlha ya seemo sa matshelo a bone, mme ba tlolwe ke ditirelo tsotlhe tsa go tlhabolola botshelo jaaka mananeo a puso. Mokhanselara Molatedi Selala, o tsibogetse matshwenyego a ga kgosi ka go tlhalosa fa makhanselara ba kgaolo ya Thamaga ba supile matshwenyego gangwe le gape ka go tlhoka ofisi ya Omang kwa Thamaga ka poifo ya gore go buseditse morago maiteko a go fa morafe ditirelo tsa botlhokwa. Mokhanselara o kaile fa e setse e le ngwaga wa bobedi kgaolo ya Thamaga e sa amogele ditirelo tsa Omang ka jaana ofisi e e lebaneng e ikgatholositse maikuelo a bone a gangwe le gape a go ntshetsa morafe ditirelo tsa bothokwa jaaka bo Omang. politics 7 Kgosi Botoka o tshwengwa ke kgaogano ya ditlamelo Kgosi ya Radisele, Rre Kakanyo Botoka a re go tsaya ditlamelo mo kgaolong tse di farologaneng go baya banni ba motse wa gagwe ka fa mosing. Kgosi Botoka o ntshitse boikuelo jo mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke tona wa merero ya mafatshe a sele Mme Pelonomi Venson-Moitoi kwa Radisele bosheng a tlhalosa fa motse wa gagwe o tsaya ditlamelo tsa kabo ditsha kwa Mahalapye ntswa ba tsaya ditlamelo tse dingwe kwa Palapye. Mo go tse dingwe, kgosi o kopile tona gore lebelo le le letlelelwang mo tseleng ya A1 fa Radisele le fokodiwe go tswa kwa go 80 km ka oura go ya kwa go 60 go fokotsa dikotsi tse di diragalang mo tseleng eo. O tsweletse a kopa gore ba fiwe taolo ya go sekisa ditsheko tse ditona mo kgotleng ya bone a bolela gore mo nakong eno ba letlelelwa go seka ditsheko tse dikatlholo tsa tsone di sa feteng sekete sa dipula fela. Mothusa kgosi ya Radisele, Rre Christian Ntebele a re go a gakgamatsa gore e re ntswa kgotla ya bone e kgona go sekisa dikgetse tsa leruo la madi a mantsi a a fetang sekete sa dipula go menagane ba bo ba sa letlelelwe go sekisa dikgetsi tse dingwe tsa madi a a fetang sekete sa dipula. Fa a tsibogela kgang ya kgaogano ya ditlamelo, Mme Venson-Moitoi yo e bileng ele mopalamente wa kgaolo eo, o kopile mokhanselara le modulasetilo wa khansele ya Palapye go rarabolola gore baagi ba Radisele ba tseye ditlamelo golo go le gongwe fela. Mo go tse dingwe, Tona Venson-Moitoi o lebogetse banni ba koo go bo ba mo file thomo ka tlhopho. O tlhalositse gore diphathi tsa sepolotiki di ka tswa di farologana ka moono, mme o lebogela tirisano mmogo ya Batswana ka kakaretso go dibela kagiso ya lefatshe leno ka nako ya ditlhopho. O tsweletse a lebogela morafe go kopanela merero ya lefatshe leno. Fa a lekodisa tona, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Phetso Kebonang a re o tshwenngwa ke go tlhoka ntlo ya pelegi kwa kokelong ya bone gammogo le metsi mme e bile a tlhalosa fa sepodise se tlhaele ka motse o godile fela thata. BOKHUTLO politics 7 Spiritual Healing e simolodisa kago Bontsi jwa diphuthego tsa kereke ya Spiritual Healing lefatshe ka bophara di simolotse go rapelela mo loobong pele fa go agiwa dikago tsa teng. Mafoko ao a builwe ke mookamedi wa kereke eo Bishop Gotlaadirwang Motswasele kwa tshimolodisong ya kereke ya Spiritual Healing kwa Phaphane mo Mochudi ka tsatsi la Tshipi. Bishop Motswasele a re gore kereke e agiwe, balatedi ba yone ba tshwanetse go bereka ba le seopo sengwe ebile ba dirisa dikitso tsa bone tse ba di filweng ke modimo ka go farologana. O boletse fa go itirela e le selo se se botlhokwa fela thata mme o ne a gwetlha ba kereke eo ya Phaphane go ema ka dinao go bereka ba le seopo sengwe gore ba fitlhelele maikaelelo a bone a go aga kereke. O tsweletse a supa fa dikgogakgogano mo dikerekeng di sa ise gope mme o ne a ba rotloetsa go aga kereke ya bone ka tidimalo go sena makgwere ape a ba fa sekai ka Solomon mo baebeleng gore o agile ntlo ya gagwe ka tidimalo go sena dikgogakgogano. Le fa go ntse jalo Mookamedi o ne a ba tshepisa fa le bone kwa diphuthegong tse bone ba tla ba ema nokeng mme o ne a rotloetsa ba dikereke tse dingwe tse di ne di laleditswe go ba thusa fa ba ka kgonang teng. Fa a tswa la gagwe Moefagedi Solomon Ruele go tswa mo phuthegong eo ya Phaphane o ne a supa fa maikaelelo a bone ke go aga kereke a tlhalosa fa ba lemogile gore e ba ntse ba tsenela mo go yone ga e sa tlhole e ba lekana. A re ba bone go le botlhokwa go laletsa mookamedi wa bone le ba diphuthego ka go farologana gore ba simolodise tiro eo mme ebile e seka ya nna sephiri a tlhalosa fa go direla dilo mo pontsheng go ya go ba thusa gore ba kgone go kopa dithuso. E ne ya re go le pele fa a amogela baeng Bishop wa phuthego ya kereke eo mo kgaolong ya Kgatleng bishop Segailele Bokole o ne a leboga mookamedi go bo a amogetse kopo ya bone ya go tla go simolodisa kereke eo semmuso. O ne gape a leboga le baruti ba dikereke ka go farologana ba ba neng bat sile ko tirong eo. Bangwe ba ba lalediwa ba tlotla e ne e le Kgosi Segale Linchwe le makhanselara mangwe a kgaolo ya Kgatleng. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Lenaneo la nyeletso lehuma le tshegeditse ba Mhalapitsa Rre Michael Moshabi (43) wa Mhalapitsa yo o thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma o inaakantse le temo ya merogo go shabisa ba Mhalapitsa. Mo loetong lwa “E tlaa re re tsena kwa tshingwaneng ya gagwe o bone gore tota o tshwere ka natla. Maloba molemisi wa kgaolo ya rona a le mo kgotleng a re gwetlha gore re rotloetse Rre Moshabi mme e bile e nne sekgantshwane mo go rona, a supa fa monongwaga a gapile maemo a ntlha mo ditshupong tsa kgaolo-potlana ya Mahalapye tse di neng di itebagantse le ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma,” ga tlhalosa jalo Mme Kedidimetse. Fa a bua mo potsolotsong, Rre Moshabi a re ngwaga wa 2011 e ne e le tshegofatso e kgolo mo botshelong jwa gagwe ka e ne e le nako ya fa a utlwa gore puso e otlolotse letsogo ka mananeo a a farologaneng a maikaelelo a one e leng go ntsha Batswana mo lehumeng le go bona gore seemo sa itsholelo ya bone se a tokafala. “Tota nna lenaneo la nyeletso lehuma le ke neng ka nna le kgatlhego e ntsi thata mo go lone e ne e le temo ya merogo. Ke ne ke dumela gore nka dira botoka mo temong ya merogo ka ke tswa bonyaneng ke rata temo mme ebile ke tswa mo lelwapeng le le ikaegileng ka temo” a tlhalosa jalo. E re ka go twe Modimo ga a je nkabo, Rre Moshabi e ne ya nna mongwe wa ba ba neng ba latswiwa ke tlhware mo Mhalapitsa morago ga ditshekatsheko tse di neng tsa dirwa ke ba lephata la boipelego mo go ba ba neng ba tlhokana le thuso ya lenaneo la nyeletso lehuma. A re morago ga ditshekatsheko tseo, ba ne ba rutuntshiwa ka temo ya merogo ke ba lephata la dijalo kwa Mahalapye mme ya re ka ngwaga wa 2015 ba thusiwa ka didirisiwa tsotlhe tse di tlhokegang mo temong ya merogo. E re ntswa go na le dikgwetlho tse a di ralalang, tshingwana ya gagwe e e nang le dingwaga di le nne e dira, e aphophoma ka merogo mme ebile e jesa ba Mhalapitsa, Pilikwe, Maape le metse e e mabapi. “Ke leboga morafe wa Mhalapitsa go bo o rotloetsa kgwebo yame. Mo bogompienong ke dira dipoelo tse di nthusang go tsenya bongwanake ba bararo sekolo le go jesa ba lelwapa lame” a bua jalo. Rre Moshabi o lema merogo e tshwana le spinach, rape, beetroot, tamati le e mengwe, mme e bile a kabakantse tshingwana ya gagwe ka go lema maungo. Rre Moshabi a re ka lemme le a le bolokang, toro ya gagwe ke go atolosa tshingwana ya gagwe ka a itemogetse gore morogo o na le dipoelo tse di bogadi bogaufi. O galaleditse lenaneo la nyeletso lehuma, a supa fa tshingwana ya merogo e le yone ofisi ya gagwe e a tsogelang kwa go yone moso le moso. economy_business_and_finance 3 Makhanselara a lela ka ditlhwatlhwa tsa motlakase Makhanselara a kgaolo ya bokone botlhaba ba supile ngongora ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa kgokelo ya motlakase. Fa ba bua kwa phuthegong ya khansele, makhanselara ba ne ba ikuela mo koporasing ya motlakase ya Botswana Power Corporation (BPC) go ela seemo se tlhoko ka se baya Batswana ba le bantsi ka fa mosing. Mokhanselara wa Siviya, Rre Bakani Badziili o ne a supa fa go tshwenya gore le fa puso e ne ya tla ka moono wa gore go nne le tuelo e e lekanang ya go gokela motlakase mo malwapeng, Batswana ba bo ba santse ba lopiwa dituelo tse di sa lekaneng. O boletse fa mo kgaolong ya bokone botlhaba go na le bangwe ba ba filweng kakanyetso-dituelo tsa madi a a fetang P200 000, a tlhalosa fa seemo se se ngomola pelo ka jaana e se dipalo tse di kalo tsa Batswana ba ba ka kgonang go duela madi a a kalo. Mokhanselara, Mme Ruth Dlodlo wa Tati Siding o ne a ngongorega ka tiego mo go gokeleng motlakase le morago ga go duela. Fa a latlhela la gagwe, Mokhanselara Damien Thapa wa Makaleng o ne a kopa gore koporase ya motlakase e itsese setshaba fa e le gore tlhwatlhwa e e beilweng ya kgokelo ya P5 000 ga e sa tlhole e le mo tirisong. A re kgang ya gore bokgakala jwa ditshipi tsa phatlalatso motlakase le malapa a baikopedi ke jone bo isang ditlhwatlhwa tsa kgokelo kwa godimo ga e utlwale, ke seipato sa go lopa batho dituelo tse di sa kgonegeng. Mokhanselara Farayi Bonyongo wa Nlapkhwane o ne a itela mo go ba BPC go ne ba bega ka seromamowa le thelebishine dinako tse motlakase o tlaabong o se yo ka tsone mo mafelong a lefatshe leno ka go farologana. A re go ka thusa setshaba go nna se ipaakantse go tila go senyegelwa ke didirisiwa tsa motlakase fa o kgaoga. Fa a tshwaela, Mokhanselara Moses Maloiso wa Tshesebe o ne a kaya fa BPC e gabile dipoelo fela e seng go thusa batho. E ne e rile pele, mogolwane wa khamphani ya motlakase go tswa Francistown, Rre Gift Pelaelo a tlhalosetsa khansele fa tlhaelo e e tsweletseng e dirwa ke go bo lefatshe la Afrika Borwa le le ntseng le thusa lefatshe leno ka motlakase le sa tlhole le kgona go thusa jaaka le ne le dira pele. A re seemo se se etesegeditswe gape ke dikgwetlho tse di paledisitseng mafetlhelo a motlakase a Morupule-B go simolola go dira ka nako e e neng e solofetswe. A re ka mabaka a, kgaogo ya motlakase e tlaa tswelela go fitlha ka Seetebosigo fa Morupule B e tsena mo tirisong. O boletse fa go sa kgonege go itsese setshaba gore motlakase o tlaa kgaoga leng kae, ka jaana BPC e seke e itse gore Afrika Borwa e tlaa ba fokoletsa motlakase ka dinako di fe. Rre Pelaelo a re koporasi ya bone ga e a gaba dipoelo fela jaaka bangwe ba akanya. A re sesupo ke gore ba kgona go tsibogela ikuelo ya kgaogo ya motlakase sekgala se se leele ba dirisa ditshenyegelo tse di seng kana ka sepe. politics 7 Setlhopha sa MOPOMA se abela motlhoka pono Komiti ya setlhopha se se lwantshang borukuthi sa MOPOMA e abetse rre mongwe wa motlhoka pono kwa Pole dijo le didirisiwa tse di tlhapang. Setlhopha sa MOPOMA se akaretsa metse ya Mosojane, Pole le Masukwane kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Setlhopha se rekile dimpho tse ka makgolo a supa a dipula mme di roletswe Rre Mpho Ngebani mo moletlong o o neng o tshwaretswe kwa Pole bosheng. Go bolelwa fa Rre Ngebani, yo o dingwaga tse di masome mararo le motso, a berekile le komiti ya MOPOMA e le moithapi wa tsa sepodisi kwa Pole, mme morago a ya kwa Gaborone go ya go batla mafulo a matalana, kwa a fetileng a latlhegelwa ke pono. Modulasetilo wa komiti ya eo, Kgosi Dick Chikuba, wa Masukwane, a re e re lentswa komiti ya bone e itebagantse le go lwantsha borukuthi, ba bone go tshwanela gore ba supe mowa wa kutlwelo botlhoko mo go Rre Ngebani. Kgosi o tlhalositse fa ba ne ba thulanya ditlhogo go tla ka mogopolo wa go direla Rre Ngebani sengwe morago ga gore a welwe ke seru sa go latlhegelwa ke pono. A re ba ne ba dumalana gore ba ntshe bonyenyane jo ba ka bo kgonang go fitlhelela maikaelelo a bone. Go ntse go le foo, Kgosi Chikuba o ne a lebogela batsadi ba ga Rre Ngebani lerato le kemonokeng e ba mo e neelang, mo seemong se se botlhoko sa go tlhoka pono. Mookamedi wa setlhopha seo, Sergeant Duba Duba o ne a galaletsa MOPOMA mo tirong e ba e dirileng, a supa fa ba nnile le kakanyo e e molemo ya go gopola mongwe ka bone. Sgt Duba a re go a itumedisa go bo ba ne ba tsaya kgato morago ga gore mongwe ka bone a welwe ke seru go na le go tlelwa ke kakanyo ya gore ‘ga di nkame’. Fa a bua mo boemong jwa mookamela mapodisi a Masunga, Sub-Inspector Kgomo Marotsi le ene fela jalo o ne a galaletsa MOPOMA, a re se ba se dirileng se supa fa ba tshwaragane. S/Insp Marotsi o ne a ba kopa go tswelela ka tshwaragano eo go netefatsa gore ba ntsha tlhogo mo ditlhopheng tse dingwe tsa kgaolo. O ne a kopa banni go emoisa go thapa batswakwa ba ba senang diteseletso le dipampiri tsa go tsena mo lefatsheng leno ka fa molaong. crime_law_and_justice 1 Puso e tsweletse ka go tlhabolola thuto Puso e tsweletse ka go tsaya tsia le go lemoga seabe sa thuto mo mehameng yotlhe e e akaretsang thuto, e ka tswa e le thuto epe fela kana ya tiro ya diatla. Erile a bua kwa bokopanong jwa beke jwa go ipaakanyetsa ipelelo meletlo ya go bala le go kwala ke ba lekalana la thutuntsho ya thuto ya bao ba ba sa rutelweng kwa sekoleng (Out of School Education and Training-OSET) ba kgaolo ya Tswapong bokone e e akaretsang dikgaolwana di le thataro, mogolwane go tswa kwa go ba khansele ya ditlhatlhobo (Botswana Examination Council -BEC) a lebaganye le botsamaisi ja ditlhatlhobo le ditlankana, Mme Dorcus Morake a re ba tshwere dipuisano le ba lephata la thuto gore go akarediwe ditlhatlhobo tsa ditiro tsa diatla mo lekalaneng la ditlhatlhobo fela jaaka go dirwa ka makalana otlhe a thuto. Mme Morake a re fa dipuisano di sena go wela seo se ya go fa moithuti mongwe le mongwe sebaka sa go lemoga botlhokwa jwa dithuto tse a di ithutetseng e ka tswa e le tsa lekalana le le tshwanang la gaegolelwe kana lefe fela ka ditlhatlhobo di tlaa bo di rulaganngwa go tswa go le gongwe se bo se raya gore ditlankana tsa teng tsotlhe ke tsa boleng jo bo amogelesegang fela jaaka ja dithuto tse dingwe. Ditshekatsheko di dirwa mo dithutong di tshwana le tsa Technical Vocational Education and Training (TVET) a re moo go mo tiisa moko le go feta go bo a kgonne go nna mo tirong e e tlaa mo fang sebaka sa go tlhaloganya sentle ka lekalana la OSET. O ne a re mongwe le mongwe mo lefatsheng leno o fiwa tekatekano ya thuto le go ithuta ka tshosologo go sa lebelelwa dingwaga tsa gagwe, a re mananeo a thuto gaegolelwe a akaretsa go le gontsi ka boitseanape le dikitso tse di nonneng ka go anama ga one go akaretsa botlhe. O ne a re motho mongwe le mongwe o ka nna mmueledi wa thuto ka mananeo a a teng a bo a tsene le mo phadisanong le mafatshe a mangwe ka one mananeo a a teng, mme o ile a re letsatsi le le tlhoka gore go itshekatshekwe kwa thuto ya gaegolelwe ba tswang teng le bone le seabe sa yone mo matshelong a batho ba ba e dirileng. Mme Morake a re phefo ya ditlhabololo fa e foka e fokela mongwe le mongwe, gape e fa motho mongwe le mongwe go itshekatsheka ka bonosi le go tsaya boikarabelo ka se ene a se eletsang go ka fetola botshelo ja gagwe, mme a re a botsadi bo tseye boikarabelo mo thutong ya bone le bana ba bone. O ile a rotlowetsa batsayakarolo mo moletlong oo, go dirisa sebaka se a re Botswana ke lengwe la mafatshe a thuto e sa ntseng e le mahala mo go lone, mme a gwetlhwa ba lephata la thuto le tlhabololo dikitso ba kgaolwana ya Palapye go nna le tebelelo pele le go fetolela dikgwetlho mo ditharabololong. E rile go le pele, mogolwane wa lekalana la thuto ya bagolo Mme Oitshupile Kolenyane a okametse kgaolwana ya Palapye a tlhalosa maikaelelo a letsatsi e le go tla go rotloetsa le go atamela morafe o o saletseng kwa morago go tla go anya dikitso tse dintsi mo go bone, a tlhalosa fa puso e phutholotse letsogo ka go atolosa dithuto tsa gaegolelwe ka go tsenya tsa go roka, go loga, go apaya, go dira dijeme, mekgabisa le gone go bala le go kwala. Mme Kolenyane a re ba na le mananeo a le mararo a a lebaganyeng le lekalana la bone, a re ke la go bala le go kwala, la dithuto tsa bana ba dingwaga tse di simologang ka borataro go ya kwa go lesome le boferabongwe le la tiro ya diatla, a re mananeo ao otlhe a kgona go tshetsa Batswana le go ba ntsha mo lehumeng. Mme Kolenyane o ne a re mo kgaolong ya gagwe go kwadisitswe batho ba le 328 mo mananeong a a farologanyeng, ba bontsi ja bone e leng bomme, a supa fa borre ba sa ntse ba le maoto a tshupa go inaakanya le mananeo a ba nang le one. Mogolwane wa thuto mo kgaolwaneng ya Palapye, Rre Otukile Kedikilwe, go tswa mo lephateng le thuto le tlhabololo dikitso o ne a re kgwetlho ya bone ke go bona Batswana ba itse go bala le go kwala, ba itirela e bile ba na le kitso. Rre Kedikilwe a re ke sone se puso e tsweletseng ka go fa bao sebaka sa go ikwadisetsa dithuto ka lenaneo la Target 20 000 gore ba kgone go rutintshiwa le go nitamisa dithuto tse ba nang le tsone le go di tlhabolola gape sengwe e ka nna gore le tsone ditiro tsa diatla motho o ka di dira go itshetsa le go intsha mo lehumeng. education 4 Kapari e kaya ngwao Kapari ke nngwe ya dilo tse di kayang ngwao mo merafeng ka go farologana. Se se builwe ke Kgosi Paul Motshwane wa Gerald Estates ka letsatsi la go ipelela ngwao kwa lekeishaneng la Statellite South bosheng. O tsweletse a re kapari ke sekao se se supang gore morafeo ke ofe, o tlholega kae jaaka merafe ya mafatshe a Swaziland, Lesotho e e bonwang ka kapari ya yone. O kopile puso ya lefatshe la Botswana go nna le yone kapari ya go nna jalo e e tlaa farologanyanag Batswana ditshabeng tse dingwe. Kgosi Motshwane o supilefa Batswana bangwe ba latlhegetswe ke ngwao , a tlatsa ka gore meletlo e tshwana le ya go ipelela ngwao,a bana le bone ba fiwe monyetla go tla go ithuta ka tsa setso. A re ngwao e ka nna dijo, mmino,ebile ke nngwe ya tse di ka okang bajanala mo merafeng ka go farologana. Kgosi Motshwane o tlhalositse fa dingwao di farologana mo merafeng, le fa go ntse jalo a re se se tshwanetse sa kopanya batho go nna ditshaba tse di kitlaneng. “Ga go na ngwao e ebotoka go feta e nngwe, dingwao di tshwana fela,’’ga bua jalo Kgosi Motshwane. A re Batswana ba setse ba simolotse go ikgakologelwa ka go tsaya ngwao tsia ba rotloediwa ke mafoko la tebelopele a a neng a buiwa ke Tautona wa ntlha wa lefatshe leno Sir SeretseKhama a re tshaba e se senang ngwao ke mokang e latlhegileng. O supile fa ngwao e dirisiwa go aga malwapa, go kgaoganya dilwana tsa boswa, go batla ngwetsi le gone go letlanya batho kwa kgotleng ya Setswana. Kgosi Motshwane o rotloeditse Batswana go sekaseka tse di molemo tse di mo ngwaong go di tsenya mo tirisong. Fa a tswa la gagwe Molaodi wa kgaolo Mme Cordelia Mpape o supile fa lefatshe leno le le tsweletse ka go tsaya tebelopele go tswa ka ngwaga wa 2016 go yapele. A re ba setse ba simolotse ya bone tebelopele e e bidiwang Francistown Vision 2022. Mme Mpape o tlhalositse gore tebelopele ya toropo eo e tlaa nna nngwe mme e tshwaragane le morafe wa Francistown. O tlhalositse gore fela jaaka tebele-peleya 2016 e na le matshego a le supa le bone fela jalo ba na le matshego a le matlhano a asupang go gokaganya bagwebi mo toropong gore itsholelo e gole. O tsweletse a re letshego le lengwe le supa fa ba le toropo e e nang le kitso, bokgoni go nna toropo e e tshwanetseng. Mme Mpape o kopile morafe go tshwaragana le go dira mmogo go fitlhelela ditoro tsa bone tsa tepelopele ya toropo ya Francistown di atlega. arts_culture_entertainment_and_media 0 Bojale bo alogile ko gaMalete Balete ba ne ba tshwere letsatsi la ngwao ka setlhogo se se reng, Ngwana wa kgomo ithute molodi, o gopole kamoso malata a ile. E rile a amogela baeng mothusa Kgosi ya Balete Kgosi Tsimane Mokgosi, a supa fa setlhogo se se raya gore go botlhokwa go ithuta se se ka tsogang se go tswela molemo. O supile fa go baakanyetsa tiro e e ntseng jaana go se motlhofo, segolo jang ka e ne e pataganye le kaloso ya bojale. Kgosi o supile fa seane se se reng matlo go sha mabapi se bereka, ka jaana go ne go sena letlhaka mo kgaolong ya gaMalete, mme ba ya go le bona kwa kgaolong ya Borolong. Kgosi kgolo Mosadi wa Balete o ne a tlhalosa fa letsatsi le e le la go alosa mophato wa bomme wa Madisamotse, ka jaana wa borre o dikile o alogile. Kgosi Mosadi o tlhalositse fa ba nnile le kgwetlho ya go tlhoka letlhaka, mo ba neng ba sa solofela go le bona gope ka go dikile go le leuba, mme ka lesego ba ne ba le bona kwa go Rre Nonofo Motlhabani go tswa kgaolong ya Borolong. O tlhalositse fa moeteledipele wa mophato o, e le mme Tuduetso Mokgosi, yo a supileng fa le ene e le wa ntlo ya bogosi. O tlhalositse fa puso e ba kopile go tsaya karolo mo boipusong jwa lefatshe leno jwa ngwaga e e tlang, fa lefatshe leno le tlaa bo le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano. Mo go tse dingwe, Kgosi Mosadi o kopile dikereke tse di sotlang ngwao ya Setswana di e bitsa maina a a bosula go tlogela go dira jalo, a supa fa ngwao e le go aga motho yo o siameng, a bo a kopa dikereke go tshwaragana go aga setshaba. O akgotse kereke ya Roma e e tlaa bong e ipelela dingwaga tse di masome a robabobedi monongwaga, a supa fa e amogetswe ke Kgosi Seboko mo kgaolong e ka ngwaga wa 1935. Mohumagadi wa Bakgatla ba ga Kgafela Mme Kathleen Kgafela, o ne a akgola mophato wa Madisamotse o o sa tswang go aloga, a supa fa tiro e tona ya mophato e le go tsibogela pitso fa kgosi a bitsa, go ithaopa ba sa solofele tuelo, go phepafatsa motse le gone go fedisa modumo o o sa tlhokafaleng mo motseng. O tlhalositse fa go dira tiro ya morafe ka mowa o le mongwefela go le monate, a bo a ba kopa gore ba tlotle le bone bao ba bannye mo go bone. O ba kopile gape gore ba rerisane mo malwapeng a bone le go a tlotla, a bo a ba lemotsha fa go sa tlhokafale gore e re ba tswa mophatong ba ne ba bonwa ba tletsetletse mo ditseleng, ka motho wa go nna jalo e le yo o maaka. Mohumagadi Kgafela o tlhalositse gape fa mophato o aga motse, a supa gore fa kgosi e na le tebelopele ka morafe wa yone, mophato e le one o e dirisang. Mo godimo ga moo, o ba kopile go godisa bana ba bone ka mokgwa o o siameng. society 9 WUC e kgathala ka matshelo a batho Mogolwane wa khamphani ya metsi ya Water Utilities Corporation (WUC), Mme Daphney Motsumi, a re mo godimo ga go nosa Batswana, khamphani eo e kgathala gape ka matshelo a batho. A re le fa bangwe ba leba khamphani ya gagwe ka leitlho le sele ebile ba akanya fa e le e e itebagantseng le go kgaolela batho metsi, e dira go le go ntsi jaaka go thusa Batswana ka tse ba di tlhokang jaaka go abela batlhoki. Mme Motsumi o ne a bua kwa moletlong wa go abela baithuti ba basetsana ba dikole tse dikgolwane tsa Sedimo go tswa kwa Mogapi, Mmachibaba kwa Ratholo le sa Maunatlala mesangwana ya bomme. A re WUC ke ya Batswana mme e sa le e tlhamiwa ka 1972. A re e santse e lebane le dikgwetlho tse di farologaneng jaaka go thubega ga dipompo. O ikuetse mo setshabeng go ba tsibosa fa ba bona metsi a dutla kana pompo e thubegile golo gongwe. Fa a itebaganya le kabo ya mesangwana, Mme Motsumi a re ngwana wa mosetsana le wa mosimane ba na le dikgwetlho botlhe, mme tsa mosetsana go supafala fa di le dintsi. A re fa ngwana wa mosetsana a tlhoka mosangwana ke kgwetlho mo go ene ka seemo seo se kgona go kokonela seriti sa gagwe. A re ba ne ba bona gore madi a Batswana ba duelang ka one metsi ba seka ba a tsaya ba a tsenya mo sekgwameng sa bone mme ba thuse ka one. Mogokgo wa sekole se segolwane sa Ratholo, Rre Letsweletse Letsile o lebogile WUC go bo e dirile tiro e tona ya go abela baithuti. A re tiro e ba e dirileng, ke e puso e e rotloetsang go isa dithuso kwa di tlhokiwang teng. O ne a rotloeditse WUC go tswelela e thusa fa go nang le botlhoki teng. politics 7 Bomme ba latela metlhala ya khumo Go supagetse fa bontsi jwa bomme mo malatsing a gompieno ba bulegile matlho ka jaana ba kgona go tswa ka maano a go inamola mo lehumeng la nta ya tlhogo. Go ya ka fa bomme ba neng ba godiswa ka teng bogologolo, ba ne ba ba beilwe ka fa mosing ka ba ne ba sa kgone go itirela mme ba beile fela mo go borre ba ba tshelang nabo. Mme Neo Lepokane go tswa kwa lephateng la bong kwa Serowe, o buile mafoko a mo thuto seka dipuisanong ya malatsi a mabedi kwa Sefhare. Thuto seka dipuisano e, e ne e rulagantswe ke ba mokgatlho wa Kgetsi ya Tsie, go tla go abelana megopolo ya go itshetsa, go buisana ka dikgwetlho tse banni ba metse ya Tswapong ka go farologana ba kopanang natso gammogo le dikgang tse di amang bong, boleng le bolwetse jwa HIV/AIDS. Mme Lepokane a re mo malatsing a segompieno bomme ba tsweletse ka go supa fa go sena tiro e go tweng e kgonwa ke borre fela, a re ba setse ba simolotse go tsena gongwe le gongwe go batla maano a go itshetsa. A re bomme ba setse ba bonala le mo ditirong tsa meepo, sesole, go aga, go kgweetsa difofane ga mmogo le gone go itirela ditiro tse di farologanyeng ka diatla. O supile fa le gape fa bomme ba tsweletse ka go tsena dikole ka dipalo tse di kgotsofatsang fa go tshwantshanngwa le maloba jale, a tlatsa ka gore ka ntlha ya se, bomme ba kgona go iphitlhela ban a le seriti le serodumo se se rileng mo setshabeng. Mme Lepokane o ne a akgola bomme ba Kgetsi ya Tsie go menagane, a re ba na le seabe se setona thata mo go fetoleng bomme ba bangwe ka go ba fa maele a botshelo. A re go supega gore le fa motho a sa itewa seatla, fa a inaakantse le Kgetsi ya Tsie o ka felela a tshela botshelo jo bo eletsegang. O ne a rotloetsa gore batho go tsweamo mekgweng ya segologolo ya go godisetsa bana segolo jang ba basetsana mo ditumelong tse di ka felelang di ba tshedisetsa mo lehumeng. O boletse fa bogologolo bomme ba ne ba gatelelwa thata ke lehuma fa banna ba bone ba sena go tlhokafala ka ba ne ba beile sengwe le sengwe mo go bone, a tlatsa ka gore seo ga se sa tlhole se le teng ka bomme ba ikemetse ka dinao. E rile a tswa la gagwe, modulasetilo wa mokgatlho wa Kgetsi ya Tsie, Mme Kenaope Bantshitswe, a re maikaelelo a mokgatlho wa bone ke go ntsha bomme mo lehumeng, ka go itirela ka diatla. A re gantsi ba dirisa ditsatlholego go dira dilo tse di farologanyeng tse di ka ba tsenyetsang madi, a tlatsa ka gore mo nakong ya gompieno ba inaakantse le go dira mafura le molora o o tlhapang, ba dirisa maungo a setlhare sa morula. Mme Bantshitswe a re go a itumedisa ka gore tiro e ya bone ba e dira ka thotoetso ya baeteledipele ba metse, ba boipelego, ba botsogo le maphata a mangwe. A re ba tsweletse gape ka go lwantsha dikgang tsa kgokgontsho, kgethololo le tse dingwe tse ba tsayang gore di ka kgoreletsa maiteko a bone a go thusa go namola motho wa mme mo lehumeng. O supile fa mokgatlho wa bone o dira go tlala ka diatla, a re ba setse ba tswa go boa le kwa lefatsheng la Swaziland kwa ba neng ba ile go abelana megopolo ya itshetso le bomme ba koo.Bokhutlo education 4 Dipalamo di ngongoregisa bapalami kwa Gumare Banni ba kgaolo ya Okavango ba ngongoregile mabapi le dibase tse di pegang setshaba tse di tswang Maun go ya Shakawe. Fa ba bua mo potsolotsong bosheng ko maemelong a dipalamo a masha mo Gumare, ba tlhalositse dintlha tse di farologaneng tse di sa ba itumediseng. Rre Gagoope Bojosi, yo o nnang mo Gumare o boletse fa ene a tshwentswe ke seemo sa dibase se se tlhobaetsang. O tlhalositse fa dibase tse di le mo seemong se se sa itumediseng jaaka di tshabelelwa ke go swa mo tseleng di pegile sechaba, mme ba tshwanelwa ke go leta ka lobaka lo lo leele gore e baakangwe kgotsa go tle e nngwe go ba tsaya. Rre Bojosi a re dibase tse dingwe di ntsha mosi o montsho, o o lebegang o ka kgotlhela tikologo. O buile gape ka ditilo tse di senyegileng mo dibaseng tse dingwe mme ba tshwanelwa ke go nna mo ditshiping. A re go lebega beng ba dibase ba ntsha tse di yang mafelong mangwe jaaka Francistown fa di setse di onetse ba bo ba di tlisa mo tseleng ya Maun le Shakawe. Mongwe emetse go ya Etsha 6 Rre Mogopodi Xhao o supile matshwenyego a gore dibase tseo ga di goroge ka nako e e beilweng ke ba lephata la Dipalamo le Ipabalelo tseleng. A re dibase tse di goroga morago ga nako fela thata segolo jang ka letsatsi la Tshipi, mo ba felelang ba kopa mosepele mo dikoloing tsa beng ba tsone le mororo go sa sireletsega. O tsweletse ka go tlhalosa fa dibase tseo ka dinako dingwe di sa tsene mo metseng e e tshwanang Etsha 13, Ikoga le Sepopa ka metse ya teng e le sekgalanyana le tsela e di tsamayang mo go yone go ya Shakawe. Rre Xhao o tlhalositse fa se se bakwa ke gore ga gona tsela e e siameng go tsena mo metseng eo, ebile beng ba dibase ba tlhalosa tsela tseo di ba senyetsa. Mme Goitse Moonjwa wa Nxamasere e bile e le mona le bogole o tlhalositse fa ene a tshwentswe ke boitshwaro jwa bangwe ba ba duedisang, a re ga ba tshware bapagami sentle e bile ba tlatsa dibase go feta selekanyo ka dinako dingwe. O ikuetse mo pusong go leka go dira thulaganyo ya go sireletsa ba na le bogole mo dipalamong tsa sechaba le go ka ba direla manno a a faphegileng. Banna ba kgaolo eo, ba re ba kopa puso go ba baakanyetsa tsela e e ralalang kgaolo eo ka beng ba dibase ba ipata ka yone ba re e ba senyetsa dibase e bile e diya mosepele. Ba kopile lephata la Dipalamo le Ipabalelo tseleng, go ka tlhatlhoba dibase tseo mo go tseneletseng gore a mme di siametse go pega sechaba. BOKHUTLO politics 7 BCP ga e a gana bokopano - Saleshando Moeteledipele wa phathi ya kganetso ya BCP, Rre Dumelang Saleshando, o kgadile dikgang tsa gore phathi ya gagwe e ganne bokopano le diphathi tse dingwe tsa kganetso. O buile jalo mo phuthegong ya sepolotiki ya go supa ntlhopheng wa bokhanselara wa Moshupa Bophirima, Rre Olebogeng Sethibe kwa Moshupa ka mafelo a beke. Kgaolo ya Moshupa Bophirima e ne ya seka ya nna le mokhanselara ka nako ya ditlhopho ka gore bo ntlhopheng ba bokhanselara ba diphathi tsa BDP le BCP ba ne ba lekalekana ka dipalo mme ga tshwanelwa ke gore ditlhopho di boelele gape. Ditlhopho tseo di tlaa tshwarwa ka Matlhatso a a tlang. Rre Saleshando yo o neng a latlhegelwa mo ditlhophong mo Gaborone bogare, o boletse fa go latlhegelwa ga phathi ya gagwe e seka gore ba ganne go kopana le diphathi tse dinngwe tsa kganetso. O boletse fa e rile ka nako ya merero ya go kopana ba bangwe ba itlhaganelela go kopana fa bone ba ne ba santse ba rerisana le maloko a bone. O boletse fa ba eme diphathi tsa kganetso nokeng gore ba ntshe e e busang mo setilong. A re mo ditlhophong tsa poeletso tse di tlang ba bone gore ba seka ba ema kwa Good Hope le Ngware mme ba eme kwa Moshupa Bophirima fela go sutela UDC. O ne a supa matshwenyego a gore UDC yone ga e a ema nokeng BCP kwa Moshupa. Rre Saleshando o boletse fa molaetsa wa BCP o tlhapile mme Batswana ke bone ba tsereng tshwetso, a bolela fa e se motlha wa bofelo mme ba tsile go nna ba neela Batswana melaetsa e e ka ba solegelang molemo ka mananeo a a tsepameng. O kopile banni ba Moshupa go tlhopha Rre Sethibe yo a kaileng fa e le senatla e bile a na le motlhala mo motseng wa Moshupa le khansele ya borwa. O boletse fa BCP e le yone phathi fela e e ka nowang moro ka mananeo a tshwana le go direla Batswana mebereko ka go bula dikompone tse ditona mo Botswana go na le gore dilo di dirwe kwa mafatsheng a mangwe. O boletse fa babereki ba amogela madi a mannye thata mo Botswana fa go tshwantshanngwa le mafatshe a mangwe. A re maduo a dikole a wetse kwa tlase thata ka fa tlase ga puso ya BDP. Mmui yo mongwe Rre Kentse Rammidi o boletse fa a tlhobogile phathi ya BDP mme a bona botshelo le mananeo a a botoka kwa BCP. O boletse fa BCP e ikaelela gore fa e tsaya puso e fe dikhansele dithata le madi a go itsamaisa. O boletse fa ditsela di le maswe fela thata mo go tlhabisang ditlhong. Rre Rammidi yo o neng a eme kwa Kanye bokone mme a latlhegelwa a re phathi ya gagwe ke yone fela e ka tsamaisang lefatshe, a kgala ba UDC a re ke bo majapolaelo. O kopile gore go tlhophiwe Rre Sethibe yo o neng a ntse a le mokhanselara pele. Fa a ntsha la gagwe ntlhopheng Rre Sethibe o boletse fa a diretse banni ba Moshupa bophirima go le go ntsi thata ka go thusa batlhoki bangwe a ba hitlha fa bangwe a ba gela metsi. O boletse fa a ne a thusa gore ba nne le ditsela tse di botoka le metsi. O boletse fa e le motho wa ntlha mo Moshupa go atumeletsa batho dikgwebo le go ba ruta gore ba ipelege. O kgadile BDP le UDC a re ga ba itse kgaolo eo fa ene a ntse a le mokhanselara wa yone. BOKHUTLO politics 7 Ba Stock Exchange ba isa thuto kwa Kgalagadi Bodiredi jwa puso le banni ba Kgalagadi borwa ba rotloeditswe go tsaya karolo mo mmarakeng wa Botswana Stock Exchange (BSE) go beeletsa diabe tsa theko le thekiso mo dikomponeng tse di farologanyeng ka seo se ka thusa thata go tokofatsa matshelo a bone. Mafoko a, a builwe ke mookamedi wa BSE, Rre Thapelo Tsheole jaaka ba ne ba etetse setshaba go ba tlhalosetsa ka ditirelo, tiriso le bomosola jwa tsa mmaraka wa diabe mo matshelong a bone. Rre Tsheole o ne a tswelela ka go tlhalosa fa BSE e itebagantse le go kwadisa dikompone morago ga tshekatsheko tse di nang le boleng jwa go rekisetsa Batswana diabe. O ne a bolelela batsena dithuto tseo fa go dira sentle le kgolo ya diabe go laolwa ke ka fa kompone e dirang ka teng tsatsi le tsatsi mme se se borai ke gore moreki a ka felela a iphotlhere fa kompone e ka phutlhama. E re ka jaana kgaolo ya kgalagadi e le boremelelo jwa thuo ya kgomo le dihutshane, Rre Tsheole o kgothaditse banni ba kgaolo eo go ya go beeletsa kwa makalaneng a BSE a akaretsa Imara Capital Securities, Motswedi Securities, Stock Brokers Botswana le African Alliance Securities Botswana. O kaile fa mo ditsheka tshekong tsa bone, banni ba kgaolo ya kgalagadi ba santse ba saletse kwa morago thata mo tshekong ya diabe mme a ba gwetlha go ema ka dinao go itrela bokamoso jwa bone le bana ba bone. Rre Tsheole o ne a gakolola banni go fokotsa leruo lwa bone ka go ya go le rekisa kwa matlhabelong ka go ka ba tswela mosola mo thekong ya diabe a kaya fa “motlhala wa khumo o le montsi mme o tlhoka fela balatedi.” Fa amogela baeng kgosi Piet Kaartze o ne a leboga ba BSE ka go tlisetsa setshaba dithuto tse di maleba tsa theko ya diabe. Kgosi Kaartze are jaaka dithuto di tlisitswe mo banning go mo maruding a bone go seka seka le go tsaya kgato mo go itireleng khumo are ba ka tsaa malebela le go kopa mo dikomponeng tse di tona gareng ga tse dingwe e leng Choppies, Cresta, Sefalana Holding Company Limited, BTCL le tse dingwe. O kaile fa di simolotse ka go ikgolaganya le mmaraka wa BSE ka go beeletsa mo dikomponeng tse di farologanyeng mme mo nakong ya gompieno di godile le go atlega mo go gakgamatsang mo lefatseheng leno le aa kwa ntle. A re dithuto tseo di le mosola ka di fa bagwebi sebaka sa go ithuta, go tlhaloganya le go tswa ka methale le maele aa ka tlhabololang dikgwebo tsa bone ka thotloetso ya mmaraka wa BSE. Modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi Rre Justice Nkwane o ne a akgola mookamedi wa BSE le lekoko la gagwe go tlisetsa batswana dithuto, kitso le tiriso ya diabe mo kgaolong ya kgalagadi ka di sa kgetholole ope. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Tshesebe o ipaakanyetsa go baya kgosi E tla a re ngwaga o o tlang ka kgwedi ya Seetebosigo, banni ba Tshesebe ba baye semmuso Kgosi Motlotlegi Kachana mo setilong. Mo potsolotsong le moanamisa mafoko wa komiti e e rulaganyetsang tiro eo bosheng, Rre Dennis William o boletse fa tiro eo e ka bo e tshwerwe kgwedi eno ya Ngwanatsele e le lesome le botlhano jaaka ba lelwapa la bogosi ba ne ba eleditse mme ka ntlha ya go salela morago ga dipaakanyo ya tlosolosiwa. Sengwe se se feletseng se tlama komiti go kopa tlosoloso, go tlhalositswe gape fa e le go lemoga fa molaetsa o ne o sa anama sentle go fitlhelela ba-na-le seabe botlhe. Rre Dennis a re bana ba motse oo ba ba direlang kwa mafelong a sele ga a amogela molaetsa botlhe jalo a re seo se ne se ka kgoreletsa go dira tiro ka matsetseleko ka jaana le bone ba tshwanelwa ke go tsenya letsogo. O supile gore e re ka jaana tiro eo e ya go ngoka batho go tswa ntlheng tsotlhe tsa lefatshe leno, ga se maikaelelo a bone go dira sogosogwane mo go e baakanyetseng, a bolela fa go dira ka manontlhotlho a a kwa godimo go ka itumedisa ga ba ga supa le yone tlotla e ba nang le yone mo kgosing ya bone. Rre William o tlhalositse fa morafe o setse o simolotse go latlhela seabe sa one mo letloleng la tiro eo mme le fa go le jalo a gwetlha ba ba saletseng kwa morago go ikitaya ka thupana go tsenya letsogo ka tsela epe fela e ba ka e kgonang. O roletse hutshe dikomiti tse di farologaneng tsa motse oo go bo di ba eme nokeng jaaka ba baakanyetsa tiro eo ya mokatakata, a akgola segolo bogolo badirelapuso ba ba direlang mo motseng wa bone go bo ba sa ikgogone mo go baakanyetseng tiro eo. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti, Rre Simonda Masole o tlhalositse fa a kgotsofalela ka fa dipaakanyo di tsamayang ka teng mme e bile a dumela fa e tla re nako ya peo ya kgosi e goroga tsotlhe di bo di apere tshiamo. O kaile gore e le morafe wa motse wa Tshesebe ba ne ba dumalana go ikgaoganya ditiro ka dikgotlana tse nne tsa motse oo mme a re seo se tla a ba nolofaletsa go fitlhelela maikaelelo a bone. Mo go reng a ba nale thulaganyo ya go thusana le metse e e mabapi mo ditirong tsa mothale o, Rre Masole o boletse fa tota go sena thulaganyo ya go nna jalo e e kileng ya dirwa le fa go ntse jalo, a re komiti e tla kwalela dikgosi tsotlhe tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba go ba itsese le go ba laletsa go tsena moletlo oo. O tsweletse a re go tla tswa mo metseng e e farologaneng gore ba nna le seabe jang mo tirong e. Kgosi Kachana o tsaya setilo sa bogosi jwa motse wa Tshesebe morago ga loso lwa ga rangwanaagwe, Kgosi Kedifentse Kachana yo o tlhokafetseng ngogola morago ga go mo tshwarelela bogosi go tloga ka 2001 fa Kgosi Matsapa Kachana rraagwe kgosi wa nako eno a sena go tlhokafala ka 1999. society 9 Mogwebi wa tswii o a itela Monniwa Maun yo o gwebang ka go bapala le go rekisa tswii a re o tshwenngwa ke go tlhoka go gola ga kgwebo eo. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Kearabetswe Nyaza o supile fa go rekwa ga tswii e eapeilweng go ile kwa tlase. O tlhalositse fa go ya kaene, se se dirwa ke gore boleng jwa madi bo ya kwa tlase mme segolo bogolo otshwenngwa ke gore puso ga e tsenye letsogo mo go tlhabololeng kgwebo ya bone. Mme Nyaza o tlhalositse fa asetse a kile a tsena mo makalaneng mangwe go kopa dithuso mme ga ba ise ba bone A re ba kile ba kopa ba lephata la tikologo, diphologolole bojanala gore a ko le bone baepi ba tswii ba direlwe diteseletso tsa gobapala tswii., a re mme phetolo e ne ya nna gore seo ga se ka ke sa kgonagala. Mme Nyaza a re o ne a kopagore ba direlwe marekisetso kana madirelo a ba ka apayang ba bo ba rekisa teng. O tlhalositse fa ba kaitumela fa e le gore le bone ba ka bitswa fa go na le meletlo kana bokopanogore ba apeye dijo tsa Setswana tse di bonwang mo kgaolong yone ya Ngami. A re ba ka nna motlotlo faTswii e ka tlotlomadiwa fela jaaka tsela nngwe ya go kabakanya itsholelo yaBotswana. O ne a tlhalosa fa dikgwetlhotse dingwe tse di dirang gore kgwebo e seka ya gola ke go tlhoka tirisano mmogomagareng ga bone e le bagwebi ba Tswii. Mme Nyaza o tlhalositse fa basa bone thuso ka melaetsa ya gore ba ka godisa jang kgwebo ya bone e e saleng A re go epa Tswii, ke ngwao ee ka tlotlomatsang lefatshe la Botswana le ngwao mo mafatsheng a mangwe fa e kafiwa sebaka sa go gola. O ne a tlhalosa gore Tswii, eba e rekisang, ba e epa kwa metsaneng e e gaufi le Maun, e e tshwanang leDitshiping, Daunara le mangwe mafelo a a mo makgobokgobong. A re mme ba nna leditshenyegelo tse di ka tshwarang makgolo a mararo a dipula go tsamaya le gobowa ko ba epang t Tswii. O ne a tlhalosa gore Tswii. kesegwere se se ka apeiwang se tlhakanngwa le nama nngwe le nngwe jaaka ya kgomo,podi, koko le tlhapi. economy_business_and_finance 3 Dikereke di gakologelwa balwetse E ne yare ka malatsi a Paseka dikereke dingwe tsa bona go le maleba go etela balwetse ba ba robaditsweng kwa sepateleng sa Masunga kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, go ba rapelela le go ba abela dimpho. Ba kereke ya Disciples of the Light Apostolic church, ba ne ba abela balwetse dimpho tse di akaretsang ditolo tse di lopileng madi a a ka tshwarang P4 000, fa ba Thaba ya Methware Apostolic Healing go tswa kwa Marobela le bone ba ne ba aba dimpho tsa go tshwana le tseo tse di lopileng P700. Fa a amogela dimpho tseo, ngaka mo sepateleng sa Masunga, Dr Hope Mungwariri o ne a leboga dikereke tseo mo tirong e ba e dirileng ya go supa bopelotlhomogi mo balwetseng. Dr Mungwariri a re malatsi a tshwana le a paseka, batho ba a dirisetsa go kopana le ba malwapa a bone, fa balwetsi bone mo dipateleng ba sa bone sebaka seo. A re mme go etelwa ga bone ke ba mekgatlho e tshwana le dikereke go ba nametsa dipelo, e bile go ba fa tsholofelo ya gore ba tla tokafala. Mooki kwa sepateleng seo, Rre Ookeditse Shadreck le ene o ne a rolela dikereke tseo hutshe, a re ba dirile sone se ba se lopiwang mo bukeng e e boitshepo, a tlatsa ka gore e sale a tsena mo sepateleng seo ke lwantlha go diragala tiro ya go nna jalo. Baemedi ba dikereke tseo, ba ne ba tlhalosa fa ba ne ba bona go tshwanela go araba boikuelo jwa tautona wa bone wa lefatshe leno, Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama jwa go rotloetsa mowa wa bopelotlhomogi, bogolo jang mo go bao ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Ba re tautona wa pele o fologa setilo jaana a sena go jwala peo e e nang le botshelo, e e tshwanelwang ke go tshegediwa le go tsweledisiwa go ya go ileng. Modulasetilo wa komiti kgolo ya kereke ya Disciples of the Light, Rre Shathani Moseki a re ba ne ba thulanya ditlhogo e le maloko, mme ba tswa ka mogopolo wa go kgaogana bonyennyane jo ba nang le jone le balwetsi, a tlhalosa fa ba ntshitse dimpho tse ka lorato go tswa boteng jwa dipelo tsa bone. Rre Moseki o ne a tlhalosa fa ba dirile seo e le ka taolo go tswa kwa go Keresete, a bo gape a supa fa a na le tumelo ya gore taolo eo, e tla a ba thusa go fodisa balwetse bao ba ba robaditsweng mo sepateleng seo. Go ntse go le foo, mookamedi wa Thaba ya Methware Apostolic Healing church, moruti Mme Ellen Manewe o ne a re ba dumela gore lefoko la Modimo ke peo e e fodisang, a re mo malatsing a paseka go tshwanetse ga supiwa lorato le le saleng le simolodisiwa ke Morena Jeso Keresete. Moruti Manewe a re lefoko la Modimo le rotloetsa kabo ya dimpho, e motho a tshwanelwang ke go e dira ntleng le go patelediwa. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Bobedi bo gatetetse pele ka temo ya merogo Rre Kurusa Tsele le mosadi wa gagwe, Mogaetsho, ba Gumare ba itshetsa ka temo ya merogo. Mme Tsele a re o ithutile ka temo e a sena go e bona mo setshwantshong sa motshikinyego mme a e kgatlhegela fela thata. A ba lema morogo wa cabbage, ditamati le green pepper. Mo go lemogeng fa ba tsweletse sentle mo temong ya bone balemisi ba kgaolo ba ne ba isa Mme Tsele dithutong tsa temo go tlhabolola dikitso tse a nang le tsone mo temong e. Mme Tsele a re ba ne ba fiwa dithuso ke ba Financial Assistance Policy (FAP) ka kgwedi ya Mopitlo ka ngwaga wa 2000 mme erile ka kgwedi ya Phatwe ke fa a tswela mo setshabeng ka letsatsi la go ipelela temo (Field Day). Mme Tsele o boletse fa letsatsi le le ne lefetola botshelo jwa bone ka bareki le bawebi ba ne ba ba bonela gone koo mme ebile ba kgatlela dijo tsa bone. A re ene le monna wa gagwe ba ne ba bereka ka nata ba sa itsape gore batle ba kgone go ntsha maduo mo temong ya bone. A re dithendara di teng mme di bonwa fela kgakala kwa Maun. A re ba tsieditswe ke batho ba ba neng ba abetswe dithendara tseo ka bone ba ne ba ba thusa ka merogo mme erile morago ba sena go tsaya madi ke fa ba tsena ka lenga la seloko ba ise ba ba duele madi a bone ntswa ba ne ba tsere dijalo tsa bone. Mme Tsele a re o tshwenngwa ke letlhoko la didirisiwa ka tsa bone di setse di tsofetse, are gape ga a robadiwe ke madi a go duela diconsultant go tlhatlhoba mmu o ba lemang mo go one gore batle ba kope dithuso kwa go ba dibanka. A re Local Authority Enterprise LEA gape e bagakolotse go dira title deed ya setsha se ba lemang mo go sone mme bone ba sa e tshola selo se sengwe gape se se dirang gore ba retelelwe ke go bona dithuso. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Khwaere ya Naswibo e a ipapatsa Khwaere ya Naswibo Choral Masunga e rotloeditswe go dira ka natla go ipapatsa gore e tle e bone thotloetso. Se se builwe ke modiri wa kompone ya Debswana Rre Michael Lekuta kwa bokhutlong jwa mogwanto o o duelelwang o khwaere eo e neng e o tshwere ka Matlhatso. Rre Lekuta a re go ikitsese setshaba ga khwaere eo ke tiro e ntle fela thata ya go dira madi go ikisa pele gore ba kgone go itsamaisa le go ithusa. O ne a re kgato e ba e tsereng ba ka tsaya e le potlana mme e ka ba fitlhedisa golo kwa ba go yang ka se e le bontlha bongwe jwa go itlhabolola le go itshetsa ka bontsi jwa maloko ba sa kgona go bona mebereko go ka itshetsa. Rre Lekuta o ne a ba lemotsha ka botlhokwa jwa go kgaratlhela go fitlhelela ditoro tsa bone, a re fa motho a nale toro o tshwanelwa ke go dira ka natla go e diragatsa. O tsweletse a ba kgothatsa go ikemela ka dinao go bona gore sepe se ba ikemiseditseng go se dira se a kgonega. Fa a latlhela mo go tsa madi o ne bua ka tsa tlhokomelo ya tiriso ya madi le therisano mo tirisong ya madi a mokgatlho, a re ba dire mananeo a a tla ba isang pelee bile ba ipeele dielo tsa gore ngwaga le ngwaga ba dira eng go ya pele mo thurifatsong ya ditoro tsa bone. Rre Lekuta o ne gape a supa fa dilo makwati di kwatabololwa mo go ba bangwe ka jalo go le botlhokwa gore khwaere ya bone e inaakanye le tse dingwe go amogana megopolo. Rre Lekuta o ne a tlhalosa fa mo go tse tsotlhe go le botlhokwa gore ba ikaege ka Modimo gore ke ene a ba fe botlhale jwa go gatela pele. Fa a latlhela ka fa tlhakoreng la batsadi o ne a re khwaere ya Naswi Choral e tlhoka kemo-nokeng ya bone gore e fitlhelele moitlamo a yone go se sepe sekgoreletsi se se ba emang pele kgotsa sa ba faposa mo tseleng. Kwa bokhutlong o ne a leboga khwaere a re ba dirile go tlala ka diatla ka ba kgonne go kokoanya P7 190. Fa a amogela khwaere go tswa kwa mogwantong, mongwe wa dikgosana tsa motse wa Masunga Rre Samson Mpenya o ne a kgothatsa khwaere eo go tswelela ba tshwere ka thata le ka botswapelo go phatshimisa leina la motse wa Masunga. O ne a ba gwetlha go seke ba nyatsa maiteko ape a ba a dirang go ipapatsa le go ikgodisa. Rre Bawana Stephen e leng mookamedi wa khwaere o ne a kaa fa Naswibo Choral e simolotse go tswa mo kerekeng ya bone ya St. John gone mo motseng wa Masunga. O kaile fa ba setse ba kile ba gapa dietsele tse dintsi ka moopelo, mme a re ba santse ba solofetse dietsele di le dintsi mo dikgaisanong tsa banana tse di tlang. O ne a supa fa mokgatlho wa bone o dirilwe ka banana ba ba sa berekeng, baithuti ba dikolo tsa ithutelo ditiro, gammogo le babereki ba maphata le makalana a a farologanyeng. Morutabana kwa motseng wa Jackalas 1 yo gape a leng moeteledipele wa Naswibo Choral kwa motseng oo, RreThatayaone Ngwenya ene o ne a re o itumetse fela thata go bo khwaere ya bone e itshupile gore e teng e a tshela. Fa a ba eleletsa Masego le matlhogonolo mo dikgaisanong dipe tse ba tlaa di tsenelelang, o ne a gwetlha maloko go dira moopelo oo wa choral karolo e e botlhokwa ya matshelo a bone Fa a garela modulasetilo wa Naswibo Choral Rre Saul Lebaka o ne a lebogela banni botlhe ba ba supileng thotloetso mo khwaereng a bo a kgothatsa le maloko a khwaere go tswelela ka go itshupa le go tsenya moko nameng ka se ba itshupileng ba le sone mo setshabeng. A re maikaelelo a bone ke go kgobonyanya madi a go reka paka ya khwaere mme lemme le le salang ba thuse dikolo tse dipotlana tse ba ikatisetsang kwa go tsone e leng sa Masunga le sa Aerodrome se se kwa Francistown ka ditlamelo tse di tlhokegang jaaka tse di phepafatsang. arts_culture_entertainment_and_media 0 Tshireletso o kgala badirela puso Mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso, o kgaletse badirelapuso go tlhoka go tsena diphuthego tse di buisiwang ke mapalamente le matona a puso ntswa ele bone ba tshwanetseng go a rabela dikgang tse di amang maphata a bone. O boletse mo phuthegong ye a neng a e buisa kwa Dibete fa go na le badirelapuso bangwe ba ba sa tseyeng tsia diphuthego tsa mapalamente le matona a puso ntswa ele tsone tse go lekodisiwang setshaba ka ditsamaiso tsa mmuso gammogo le mananeo a Batswana ba ka a dirisang go tokafatsa matshelo a bone jaaka lenaneo la nyeletso lehuma la nta ya thogo. Mme Tshireletso yo e bileng ele mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, o rile gole gantsi maphata a sa tseneng diphuthego tsa gagwe ntswa setshaba se ngongorega thata ka maphata a bone, ke ba diri ba lephata la ditsela le la boipelego mo khanseleng ya kgaolo potlana ya Mahalapye. A re Batswana ba ka kgona go akola mananeo a puso le go ikinola mo lehumeng fa Badirelapuso ba ba neilweng go tsamaisa mananeo ao ba ka dira tiro ya bone ka manontlhotlho le go tsamaya le dikgaolwana tsa bone go tlhalosetsa setshaba ka ditiro tsa maphata a bone. politics 7 Ba tlhoma lekalana la kereke Ba kereke ya Faith Gospel After Christ, ba ne ba tlhoma semmuso lekalana la kereke eo kwa Tlokweng ka Tshipi, morago ga go lemoga fa maloko a bone a a tswang kwa motseng oo a le mantsi. Erile a a fa tekodiso, moruti Mareko Mokibise, a tlhalosa fa tota lekalana leo le simolotse kwa motseng wa Tlokweng ka ngwaga wa 2012, morago ga go lekodisana le bao ba ba tshwanetseng. Moruti Mokibisi o tlhalositse fa ba thusitswe ke ba lekalana la Mogoditshane go kgona go tlhoma lekalana le, a tlhalosa fa e ne ekete ba tla a gogagogana le ba lekalana la Old Naledi, mme se ga se a ka sa thuba kereke. Moruti o tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go okela banana mo Modimong, ba ba ntsha mo mekgwatheng, a bolela fa banana ba dira dilo tse di sa siamang ka ntlha ya go tlhoka kitso. Mothusa molaodi wa Tlokweng Rre Patrick Tlotleng, o ne a lebogela gore kereke eo ke kereke e tona ebile e na le dingwaga e ntse e le teng, a bolela fa e simolotse ka ngwaga wa 1949, ke sone se e kgonang gore e na le dikgogakgogano e bo e di rarabolola, go na le go ingaola ba ya go itlhamela kereke e sele. Le fa go ntse jalo o supile fa ba bogosi jwa Batlokwa, ba sa robadiwe ke dikereke dingwe tse di rapelelang kwa thabeng kana mo sekgweng mme ba tlogele leswe la bone koo, a supa fa seo se sa amogelesege ka e le go leswafatsa tikologo. Rre Tlotleng o supile fa tiro ya kereke e le go tlisa boleng mo setshabeng, a bo a lebogela kereke eo gore ngwaga le ngwaga e abela ba Masiela Trust Fund madi. O lebogetse gape gore kereke eo e tletse banana, a bo a ba kopa go tswela kwa ntle go rerela setshaba lefoko la Modimo. Rre Tlotleng o supile gape fa moopelo wa kereke ya FGAC o le monate fela thata, a supa fa ba ka o dirisa go gogela banana mo lefokong la Modimo. O supile fa go obamelela mo malwepeng ga dikereke le gone go tshwenya, ka jaana go kgoreletsa baagisanyi go itheetsa le go iketla mo malwapeng a bone, a bo a gakolola maloko a kereke eo go tlotla nako e ba obamelang ka yone, gore ba heme kgotlhang. Mothusa Kgosi ya Batlokwa Michael Gaborone, o ne a kopa maloko a kereke ya FGAC go seke ba kgaoganngwa ka maemo. O ne a supa fa Batswana ba itetleletse gore batswakwa ba tsene fa gare ga bone, ba itira jaaka ekete ke bone ba ba itseng Modimo go ba gaisa, le gone go itira jaaka ekete ba itse go tshwara basadi le banna go ba gaisa, mme dilo tse gape ga ba batle di buiwa. Kgosi o supile gape fa go na le dilo tse di diragalang tse di hakgamatsang, a supa fa o kgona go bona koko e apesitswe dibaga mo molaleng, le megala ya dikereke e gokeletswe mo ditlhareng. O kopile bagolwane ba kereke go lemotsha bana ba kereke fa ba dira sentle le gone go ntsha dipego tsa madi a kereke, a supa madi a na le seabe mo go thubegeng ga dikereke. Mo go tse dingwe kgosi o ba kopile go se rekise lefatshe, mme ba le somarelele bana ba bone, ka go a bonala ba tla a tlhoka kwa ba nnang teng mo nakong e tlang. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Borre ba santse ba goga dinao mo go tsa botsogo Borre ba kgothaditswe go tsaya boikarabelo ka botsogo jwa bone. Kwa letsatsing la botsogo le le neng le rulagantswe ke badiri ba lephata la dikago (DBES) kwa Mochudi bosheng, modulasetilo wa lekgotla la Men Sector la kgaolo ya Kgatleng, Rre Mmabaledi Dipheng a re go tlhamilwe lekgotla leo ka go lemosegile fa bontsi jwa borre ba ikgatholosa dikgang tsa botsogo mme a ba gwetlha gore ba eme ka dinao e nne bone ba ba etelelang bomme pele mo go tsa botsogo. Rre Dipheng a re go na le kgang e e santseng e ba tshwenya thata e mo go yone monna kana mosadi a nnang le bakapelo ba le bantsi mme a tlhalosa fa mokgwa oo o le diphatsa fela thata. O tlhalosa fa go nna le bakapelo ba le bantsi go na le ditlamorago tse di seng monate ka gore batho ba go nna jalo ba felela ba tsenwe ke malwetse a dikobo jalo a kopa setshaba go ikgapha mo mokgweng oo. Rre Dipheng o kopile batsadi go bua le bana ba bone ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo gonne ka fa dipatlisiso di supang ka teng bana ba basetsana ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le botlhano go ya kwa go tse di lesome le borobabongwe mo kgaolong ya Kgatleng ba na le mogare. A re se se tshosang ke gore bana ba basimane ba dingwaga tsa go nna jalo ga ba na mogare seo se supa gore bana ba basetsana ba dirisiwa ke borre ba ba tona mme a gwetlha batsadi go ema ka dinao go bua le bana ba bone. O tsweletse a re nako ga se tsa maloba tse mo go tsone motsadi a neng a ka seke a bua le ngwana ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo, a tlhalosa fa go bua le bana ka dikgang tseo go thusa fela thata. O supile fa dipatlisiso di supile fa seemo sa mogare wa HIV/AIDS mo kgaolong ya Kgatleng se le kwa godimo thata a tlhalosa fa ka 2008 e ne e le 15.8% fa ngwaga o o fetileng e ne e le 19.9%. Fa a tswa la gagwe, Mme Galaletsang Mudongo go tswa kwa Kgatleng District Health Management Team o tlhalositse fa lephata la botsogo le tsweletse sentle mo lenaneong la thibelo mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa leseeng. A re le fa motho a na le mogare wa HIV o kgona go tshola ngwana mme go na le ditsela tse ba di salang morago go netefatsa gore mmangwana o tshola ngwana yo o itekanetseng. A re mme yo o tshelang ka mogare mme a eletsa go nna le ngwana o a tlhatlhobiwa go bona gore bokete jwa masole a mmele bokae mme fa e le gore a feta 350 ke gone ba mo gakololang gore a ka nna le ngwana ba lebile botsogo jwa gagwe. O tsweletse a supa fa ba tlaa bo ba mo tlhatlhobela le malwetse a mangwe a dikobo gore a seka a tla a a fetisetsa kwa ngwaneng. Mme Mudongo o rotloeditse borre go nna ba tla le bomme ba bone kwa dipateleng go tla go utlwa ka dikgang tsa botsogo gonne a re moo go ka ba thusa fela thata go itse gore go diragala eng mo botsogong jwa bone. O rotloeditse bomme go ikwadisetsa boimana ba na le dikgwedi di le pedi gore ba bongaka ba kgone go ba thusa boimana bo santse bo le bo sha fa e le gore go na le malwetse mangwe mo go bone. E ne ya re go le pele fa a amogela baeng, mogolwane wa lephata la dikago, Rre Galebotswe Nakedi a supa fa ba bone go le maleba go nna le letsatsi la botsogo gore ba kgone go itshekatsheka e le badiri mo dikgannyeng tse di amang botsogo jwa bone. A re mo lephateng la bone ba botsogo ba tsaya botsogo ka tlhoafalo ka ba itlamile gore fa mongwe wa bone a sa tsoga sentle kana a robaditswe kwa sepatela ba mo rekela dijo tse a di tlhokang e le tsela ya go mo gomotsa. O tsweletse a re ba kopana beke le beke ka Labone go bua ka botsogo jwa bone mo tirong, a tlatsa ka gore nako tse dingwe ba laletsa mongwe go tla go ba tlhatlhelela ka tsa botsogo mme a re seo se thusa go tokafatsa maduo mo tirong. BOKHUTLO health 6 Tshireletsego ya dithoto ke boikarabelo jwa mong Banni ba Mokgenene mo kgaolong ya Shoshong ba gakolotswe go tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela tsotlhe tse ba di fiwang ke puso. Mafoko a a builwe ke Mothusa Tona wa Lephata Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso, mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo bosheng. Mme Tshireletso o ba kopile go tsaya boikarabelo jwa leruo, matlo, didirisiwa gammogo le tsotlhe tse ba di fiwang go inamola mo leubeng. A re bontsi bo tsaya dilo tseo e le tsa puso, ntswa puso yone e leka go ba fa seriti mme jaanong e tshwanetse ya nna boikarabelo jwa bone gore ba tlhokomela dilo tse. O ne a tlhalosa gore Mokgenene ke ene a agetsweng matlo a le mantsi mo kgaolong ya bone mme matlo mangwe ga a na matlhabaphefo, a fetogile mmala ntswa a nna batho mo teng. Mme Tshireletso a re fa e sale lenaneo la go agela banni matlo le simologa, go agilwe matlo a le lesome le borataro, mme jaanong beng ba one ba a tsaya e le a puso mo ba sa a tlhokomeleng. O ba kopile go tsaya tsotlhe tse ka lerato le boikarabelo gore di tle di tswele bana ba bone mosola mo isagong. A re fa gongwe motho o fiwa dikgomo kgotsa dipodi, mme fa o botsa gore diruiwa tseo di kae, ga go na fa di tseneng teng ka go supa gore ga go na tlhokomelo. A re kwa dikgaolong tse dingwe, batho ba ba filweng diruiwa ba di tsadisitse e bile di dintsi ka go supa fela fa ba di fa lerato e bile ba di tlhokomela. O kopile gore botlhe ba ba filweng eng kapa eng ba se tlhokomele mme ba tswe mo goreng dilo ke tsa puso, a tlatsa ka gore mananeo a ke a Batswana. O ne a ba rotloetsa gape gore motho a seka a tsaya lenaneo fela ka go bo a bona yo mongwe a le tsaya, a re bontsi jwa batho ga ba itse kgwebo mme bangwe ba tsaya mananeo a dikgwebo a bo a felele a sa atlega. Mme Tshireletso o ne a ba gakolola gore ba kgona go ipopa ditlhopha, mme mo go tsone go na le bangwe ba ba nang le botsipa jwa go tsamaisa kgwebo gore ba tle ba kgone go ba thusa go tsamaisa dikgwebo tsa bone. O ne a kopa gape gore, e re ntswa mananeo e le a bone, motho o tshwanetse go tsaya se a se kgonang e bile a na le lorato mo go sone. Kgosi Mabedi Motlhagodi o ne a bolelela mothusa tona gore ba na le bothata jwa gore koloi ya kokelwana ya bone le mokgweetsi di tserwe di isitswe kwa Otse, selo se se bayang banni mo letshogong. Kgosi Motlhagodi a re ba lekile go ikuela gore koloi e, e a tlhokafala fela thata ka jaana e le mo legareng ka e thusa motse wa Poloka le wa Dibete mme fa e le kwa Otse e kgakala fela thata ka e bile le tsela e sa siama mo e ka itlhaganelang fa gotwe go na le molwetse wa tshoganetso. Mo go tse dingwe o ne a tlhalosa fa ba sa bone mananeo a tshwana le a dipodi ntswa ba na le keletso ya go ka di rua. Mongwe wa banni, Rre Caiphus Semenyane, a re dipodi di teng mo kgaolong ya bone mathata ke gore dituelo tsa barui go tswa kwa pusong di a diega ke ka moo bontsi jwa barui ba senang kgatlhego ya go ka rekisetsa puso dipodi tsa bone. Rre Semenyane o ne a tswa ka mogopolo wa gore ke eeng puso e sa dire jaaka ba BMC ba e reng fa ba reka dikgomo tsa bone ba tlele ruri ka madi mme barui ba duelwe gone foo, go na le gore ba eme dikgwedi di ka nna borataro ba ise ba bone dituelo. Fa a ba kwa dikgaba, Mme Tshireletso o ne a kopa banni gore o tlaa tsaya dikgakololo tsotlhe tsa bone mme a bone gore go ka dirwa jang gore le bone ka e bile ba nna kgakala le ditlamelo ba bone dithuso. economy_business_and_finance 3 Phokoje go tshela yo o dithetsanyana Monana mongwe kwa motseng wa Mmathubudukwane mo kgaolong ya Kgatleng o leka botshelo ka botaki. Rre Lucky Teleki yo o dingwaga tse di masome a mabedi le motso a re sale a supa kgatlhego mo botaking a sale mmotlana. Mo potsolosong le BOPA,Lucky o tlhalosa fa kgwebo ya gagwe a e simolotse ka ngwaga wa 2011 a supa fa a direla mo lwapeng. O ne a supa fa bokgoni jwa tiro e a e dirang a sa e rutiwa ke ope ebile le ko sekolong o ne a sa dire dithuto tsa teng a tlatsa ka gore mme o eletsa go dira dithuto tsa teng go oketsa talente ya gagwe. O tsweletse a tlhalosa fa a ne a santse a le ko sekolong o ne a kgona go ya go botsa barutabana ba ba neng ba ruta dithuto tsa botaki gore go dirwa eng le gone jang mo botaking le ntswa a ne a sa dire dithuto tseo. A re le fa gone a ne a sa thusiwa nako e telele mme gone o kgonne go sela sengwe mo go bone a supa gape gore se se mo kgontshang ke gore o na le kgatlhego e ntsi fela thata mme ebile a rata botaki thata. “Tota botaki ke tiro e ke e ratang ebile ke na le tsholofelo e ntsi mo yone,ke batla go ipona mo dingwageng tse di tlang ke dirile go le go ntsi mo tirong e ya botaki gape ebile ke itebagantse le yone fela”,ga tlhalosa Lucky. A re bontsi jwa dikgwebo di phutlhamisiwa ke gore beng ba tsone ba dipataganya le ditiro tse dingwe mme ene a re ga a eletse go dira jalo ka a eletsa gore kgwebo ya gagwe e gole. Jaaka re itse gore bontsi jwa bataki le baopedi ba a tle ba tlhalose fa, gore ba simolole dikgwebo kana mmino wa bone ba a bo ba bone bangwe ba dira sentle kana e nna ba tlhotleletsi ba bone(role model),mo go Lucky ga go a nna jalo a tlhalosa fa a dumela gore ke talente fela e a e filweng ke modimo. A re mo nakong ya gompieno kgwebo e tsamaya sentle ebile le batho ba a reka a supa fa sebe sa phiri e le go tlhoka ditsompele a tlhalosa fa le fa a rekile dilo tse a di dirisang di fela ka bonako. “Madi a ke a bonang mo kgwebong e ke one gape a ke a dirisang go reka dingwe tse gantsi ke di dirisang,mm eke na le keletso ya go ikopela madi ko ofising ya banana”,ga tshwaela Lucky. O ne a tlhalosetsa BOPA gore ga ise a itse sentle ka mananeo a a thusang banana a tlatsa ka gore mo gongwe go dirwa ke gore o nna kwa kgaolong ko go senang ope yo o mo rotloetsang le go mo gakolola gore mananeo ao fa o eletsa go a dira go tlhokafalang eng. Ka mokoduwe go tshoswa o o itsosang,Lucky a re o tla ema ka dinao go bona gore o latela ba ofisi ya banana go ya go kopa dithusa gore a kgone go atolosa kgwebo ya gagwe e a tlhalosang fa a sa eletse gore e phutlhame. Le fa go ntse jalo a re se se mo itumedisang ke gore ke ene fela a dirang kgwebo ya mofuta oo mo motseng wa bone a tlhalosa fa batho ba ise ba nne le kgatlhego ya go e dira a tlatsa ka gore mme seo se dire gore a rekise dilwana tsa gagwe go sena mathata. “Ke santse ke dira ke le nosi mo nakong eno mme ke eletsa gore ke batle lefelo ke direle mo go lone mme ebile ke bo ke batla bangwe banana gore le bone bat le ba ithute se ke se dirang go itshetsa le botsipa jwa botaki ”,ga tlhalosa jalo Lucky. arts_culture_entertainment_and_media 0 Bogodu jwa leruo bo a tlhobaetsa Barua kgomo kwa Mokobeng mo kgaolong ya Tswapong Borwa ba apesitswe kobo ka letshoba ke bogodu jwa dikgomo. Mokhanselara wa Mokobeng/Ngwapa, Rre Joseph Molamu o ikuetse mo mopalamenteng wa kgaolo, Rre Oreeditse Molebatsi mo phuthegong e e neng e rulaganyeditswe go lekodisana ka tsa kgaolo kwa Sefhare bosheng. Rre Molamu a re le ntswa seemo se se tlhobaetsa, sebe sa phiri ke gore ba sepodisi ga ba se tsibogele nako e le teng ka jalo selo se se dire gore dikgang tsa bone di tsee nako e telele go sekwa. A re seemo se ga se ba itumedise mme a supa gape fa le bone ba belaelwa ba kgona go felela ba tswa ka phatlha tsa menwana ba santse ba emetse ditsheko. Fa a tswa la gagwe, mookamela mapodisi a Machaneng, Superintendent Peggy Vakalisa a re mo ngwageng ono ba ikaelela go tsibogela tsotlhe tse di saletseng kwa morago. O ne a tlhalosa fa tlhaelo ya bodiredi e le yone e bakang gore nako tse dingwe ba nne maoto a tshupa go thusa setshaba. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Kereke ya BCCCZ e abetse bana E rile bosheng bana ba le lekgolo masome a mararo le bobedi ba motse wa Omaweneno ba amogela ngwaga o mosha ka boitumelo jaaka ba ne ba abelwa dimpho ke ba kereke ya Bethlehem City of Christ Church in Zion, BCCCZ. Fa a aba dimpho tseo, mookamedi wa kereke eo Mme Elizabeth Ntwaetsile o kaile fa phuthego eo e ne ya gwetlhiwa ke go bona letlhoko le le ntsi kwa motseng oo le gone go supa mowa wa kutlwelo botlhoko le lorato mo baneng. Mookamedi Ntwaetsile yo o kileng a nna mokhanselara wa kgaolwana ya Omaweneno/ Kisa/ Maralaleng o kaile fa mongwe le mongwe le setshaba ka kakaretso ba tshwanelwa ke go itshekatsheka go supa lorato mo go ba bangwe. O kaile fa kereke ya bone e lemogile botlhokwa go abela bana bao bogolo jang ka dimpho tseo di tla ba thusa ka dikole di le gaufi le go bulwa ka bangwe batsadi ba sa kgone go rekela bana ba bone dilwana gonne bontsi jwa bone ba le dikobo dikhutswane. Mme Ntwaetsile o tsweletse ka go tlhalosa fa a iketshitshe setlhabelo boemong jwa kereke eo ka go abela bana ba dikhutsana, ba-na-le-bogole le bana ba kereke eo ba le 132 dimpho di akaretsa melora le dimonamone tse di lopileng P15 542 00. A re maikaelelo a gagwe ke go tswelela a supa kutlwelo botlhoko mo go ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka go agela bangwe matlo kwa motseng oo wa Omaweneno. Fa a lebogela dimpho tseo, mongwe wa dikgosana tsa motse oo Rre Matanka Simane o galaleditse kereke eo fela thata a bolela fa ba dira tiro e ntle bogolo jang ka ba abetse bana ka bana ele mpho e e botlhokwa e e tswang kwa Modimong mme e bile ba tshwanelwa ke go tshwarwa ka matsetseleko, go tlhokomelwa le go fiwa lorato ka nako tsotlhe. Kgosana Simane yo e bileng gape e le moruti wa kereke ya E.R P Unity Church kwa motseng oo, o supile fa Mme Ntwaetsile a na le ponelopele ka a tswa kgakala ka go supa mowa wa kutlwelo botlhoko le lorato mo setshabeng ka go kgaogana le sone se a nang le sone. Kgosana Simane o gwetlhile dikereke tse dingwe , maphata a puso ka go farologana le setshaba ka kakaretso go nna le boikarabelo ka go nna le seabe le gone go tsaya malebela mo go se Mme Ntwaetsile a se dirileng mme a mo kopa go tswelela a dira tiro e ntle eo ya gagwe. BOKHUTLO religion_and_belief 8 BCP e batla Boteti Bophirima Batlhophi ba kgaolo ya Boteti Bophirima ba kopilwe go tlhopha Botswana Congress Party (BCP) ka ele yone fela e ka arabang dilelo tsa bone le go tsisa diphetogo mo matshelong a bone. E rile a bua ka Matlhatso fa a rolela batlhophi ba kgaolo eo ntlhopheng wa bopalamente, Rre Tjiliga Letsholo le makhanselara a gagwe, Rre Gilson Saleshando a bolela fa Batswana ba ka tshepa phathi eo e bile batlhophi ba kgaolo ya Boteti Bophirima ele bone fela ba ka itseelang tshwetso ya go itlhophela moemedi yo o ka tsisang ditlhabololo mo kgaolong ya bone. Ntlhopheng wa bopalamente wa kgaolo ya Boteti Botlhaba, Mme Daisy Bathusi a re phathi ya BCP e rotloetsa bomme go emela ditlhopho e bile ke yone fela e nang le bomme ba bantsi ba ba emetseng ditlhopho. O tsweletse a re mathata a bomme ke go inyatsa ntswa ba na le bokgoni e bile ele bone ba bantsi go feta borre. E rile fa a tswa la gagwe, Rre Letsholo a re fa ba ka mo isa palamenteng o a go itebaganya le seemo sa metsi a a leswe mo kgaolong ya gagwe gammogo le tlhaelo ya metsi a a phepa . Rre Letsholo a re BCP ke yone e kgathalang ka diteemane tsa Batswana tse di isiwang kwa mafatsheng a mangwe tse di ka bong di tlamela bana ba mono ditiro gammogo le dituelo tsa babereki tse di kwa tlase. BOKHUTLO politics 7 Ba Pilikwe ba abetswe digalase Kgosi, bana le bagolo ba le 27 ba Pilikwe ba abetswe digalase tsa matlho ke ba lekgotla la Merch Hand Foundation Trust ka bofelo jwa beke. E rile a buisana le banni ba motse oo ba ba neng ba tshologetse tiro eo mo kgotleng, Rre Ramadeluka Seretse, yo o kileng a nna mopalamente wa Serowe Bokone, e bile e ne e le tona wa itshireletso, molao le thokgamo, o ne a tlhalosa fa Batswana e le tshaba e e agetsweng mo leratong, mme go se thona gore ngwana wa Motswana a intshe setlhabelo go direla lefatshe la ga bone. Rre Seretse o ne a supa fa go aba go sa supe khumo, mme go tsamaelana le mowa wa lerato le go ikabela go direla setshaba. O ne a supa fa mowa oo o nyelela ka bonya mo Batswaneng ba ba inaakantseng thata le diphetogo tsa botshelo jwa segompieno jwa go iteba ba le bosi. O ne a rotloetsa ba ba yang go abelwa dimpho go di leba ka leitlho la thuso e seng go akanya gore moabi wa tsone o lekantse ga a itse se a ka se dirang ka madi. A re go abelwa ke lesego ga se tshwanelo ya motho, mme seo se seka sa tsewa lolea. O ne a rotloetsa Batswana go boela mo moweng wa bone wa go utlwelana botlhoko, o o neng wa aga wa bo wa tlhabolola lefatshe leno ka e le tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe go nna le seabe mo ditlhabololong tsa lefatshe. Mo mafokong a gagwe, moabi wa dimpho tseo le bakaulengwe ka ene, Rre Kabelo Rampe o ne supa fa a nnile le thotloetso go tswa go Dr Gaositwe Chiepe, mme a mo akgolela kemo nokeng ya gagwe ya botsadi. Rre Rampe a re ke maikemisetso a gagwe ka thotloetso ya Modimo go abela batho khutlong tse nne tsa lefatshe leno a dirisa dithata tsa gagwe go ba latela gongwe le gongwe kwa ba tlhokang thuso ya mokgatlho wa gagwe teng. O ne a rotloetsa banana ka ene gore go aba go tswa mo leratong le go itse Modimo, ka jalo Modimo one o tlaa go neela gore o abe. A re batho ba ba abang ga se gore ba na le madi ba kgona botshelo, ke fela ka thata le tlhotlheletso ya mowa o o boitshepo. O ne gape a ikabela ba Pilikwe ka go kopa monana mongwe go simolola se a ka se kgonang, a re o tlaa mo ema nokeng, gammogo le ditiro tse di tlaa dirwang mo motseng oo. E ne e rile go le pele Kgosi Gasebalwe Seretse a supa fa lekgotla leo le diretse batho ba motse wa gagwe molemo, gore le bone ba kgone go natefelelwa ke botshelo, ka go amogela dimpho tseo ka lerato. Fa a leboga tiro eo, tona wa botsogo le boitekanelo, mopalamente wa kgaolo, Mme Dorcas Makgato o ne a supa fa botlhokapono e le sengwe sa tse di tshwenyang mo lephateng la gagwe. A re maikaelelo a lephata la gagwe ke go neela batho botsogo, mme a re o leboga thata fa go na le batho ba ba bonang go le molemo go tshwaraganela botsogo jwa setshaba le puso. A re se ke ditshegofatso, a supa fa se gape se fokoleditse ba ba yang go amogela dimpho tseo mosepele wa go ya bongakeng kwa Serowe. Go ne ga abelwa bana ba sekole ba fera bobedi le bagolo ba le lesome le boferabongwe, kgosi e le mongwe wa bone go amogela digalase. ENDS society 9 Banana ba ikanya maranyane a Facebook le Whatsapp Banana bangwe kwa Jwaneng ba boletse fa maranyane a Facebook le Whatsapp a le molemo thata. Mo potsolotsong, ba ne ba ntsha dintlha di le mmalwa tse ba kaileng fa e le tsone tse di dirang gore ba lemoge botlhokwa jwa maranyane a. Mongwe wa banana bao ke Mme Kedibonye Mangolo wa dingwaga tse di masome a mabedi le borobabobedi. A re ene o dirisa maranyane a Facebook thata e le tsela ya go itse tse di diragalang mo lefatsheng ka bophara. A re ga se gantsi a reka dipampiri tsa dikgang mme dikgang ka bontsi o di bonela mo Facebook. Mme Mangolo a re pele ga a ka dira sepe fela mo letsatsing o tsena pele mo maranyaneng a Facebook go itse ka tse di diragalang mo lefatsheng ka bophara, a tlatsa ka gore o lemogile gore dipampiri tsa dikgang ka bontsi di dirisa maranyane a Facebook go anamisa dikgang tsa bone. A re se sengwe se a se ratang ka Facebook ke gore ke tsela nngwe ya go itlosa bodutu. A re go le gantsi o iphitlhela a lebile ditshwantsho tsa balekane ba gagwe mo Facebook le dipolelo tsa bone mme a iphitlhele a kgatlhega fa gongwe a gomotsega a bo a lebale matshwenyego a botshelo jwa gagwe. Mme Bothakga Nametsegang wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi a re ene o rata maranyane a Whatsapp thata ka e le tsela ya go bua le batho ba bangwe ba ba mo maranyaneng ao ka melaetsa. A re tiriso ya Whatsapp ga e lope madi a mantsi jaaka fa motho a romela melaetsa ka tsela e e tlwaelesegileng. Mme Nametsagang a re ka e le mogwebi o dirisa Whatsapp go amogana le balekane ba gagwe tse a di rekisang ka nako e e rileng. A re o dira jalo ka go tsenya ditshwantsho tsa dilo tseo mo Whatsapp gore batho ba di bone, a bo a supa le ditlhwatlhwa. A re gape o itemogetse gore go dirisa maranyane a Whatsapp le Facebook go lopa ditlhwatlhwa tse di kwa tlase tsa madi. A re Facebook yone e mo thusa go nna le megopolo e e farologaneng ya go dira dikgwebo tse dipotlana di tshwana le go rekisa diaparo, dibaga le tse dingwe. economy_business_and_finance 3 Thuto ga se ya go bala fela E re ka go itewa letsogo go amanngwa le go nna mmantswitswidi, bangwe Batswana ba kaya fa go nna le kitso ya go itshetsa go sa akaretse fela thuto ya sekole. Mme Getty Lebese wa Kumakwane, a re ke mongwe wa batho ba ntlo ya borutelo ba e lebetseng ba feta ka tsela, mme a kgona go itshetsa. Fa a bua mo potsolotsong le O ne a tlhalosa fa tiro eo a e ithutile kwa komponeng ya Kgalagadi Game Skin e e neng e direla kwa Gaborone e a neng a sale a e bereka ka bonana go fitlhela a e tlogela a simolola kgwebo ya gagwe ya Lebese Leather Works ka 2002. O ne a supa fa a ne a thusitswe ka lenaneo la FAP go e simolola, mme a kaya fa e ne ya tsamaya tshipidi mme ya wela tlase ka ngwaga wa 2015 mme a kgona go e rudisa ka 2017, morago gago thuswa ke ba Gender Affairs ka madi aa ka tshwarang P90 000. Mme Lebese a re seo se ne sa mo kgontsha go reka metshine e e rokang e le mene le didirisiwa tse dingwe jaaka matlalo le ditlhale mme a kgona go dira mo a rekiseditseng le dikolo dingwe kwa mafatsheng a tshwana le la Afrika Borwa. O supile fa tiro ya go roka matlalo e ka nna le dipoelo tse di bonalang fa e ka rotloediwa, mme a kaya fa a reka matlalo kwa Afrika Borwa ka jaana madirelo a a neng a reka mo go one mono e sa tlhole e dira. Mme Lebese o ne a supa fa go bulwa ga kompone e e sugang matlalo kwa Lobatse jaaka puso e solofetsa, go ka mo solegela molemo ka jaana go le thata go bona matlalo a boleng mo basuging ba babotlana go bile go tura. O ne gape a supa fa mo tirong ya gagwe ya go roka, a setse a gapile ditlankana di le mmalwa go tswa mo ditshupong le dikgaisanyo tse di farologanyeng tsa tiro ya diatla mme se ele ka thotloetso ya ba lelwapa. O ne a leboga LEA kwa Molepolole go dira letsatsi la bagwebi mafelo a kgwedi nngwe le nngwe, a tlhalosa fa ba bona sebaka sa go rekisa dithoto tsa bone ga mmogo le go ipapatsa. Mme Lebese a re bagwebi ba babotlana ba nna le sebaka sa go ipapatsa botoka ba le mo lefelong le bareki ba le etelang kgapetsakgapetsa, a supa fa le nako ya mafelo a kgwedi e ba baya mo tshiamelong ya go kgona go rekisa. economy_business_and_finance 3 Dulux Botswana e shafatsa sekole Khamphani ya Dulux Botswana e shafaditse sekole se sebotlana sa Tsabong e le tsela nngwe ya go tsholetsa serodumo sa sone ka go tokafatsa thuto mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa. Fa a bua kwa tshimolodisong ya go penta dikago tsa sekole seo e e tlaa welang mo bekeng e e tlang, motshwarelela mookamela lephata la thuto go tswa kwa moding Mme Maipelo Kesenye o tlhalositse fa ngwana e le mpho ya setshaba. A re ka jalo go botlhokwa gore setshaba ga mmogo le batsaya karolo ba tsenye letsogo ka go itlhophela dikole ka go tshwaragana le lephata la thuto go thusa go tsholetsa serodumo sa thuto. O supile fa e ne ya re ka 2011 lephata la thuto la tlhaba mokgosi mo go botlhe ba-na-le eabe go tshwaraganela thuto ka seo se ka thusa mo tokafatsong ya maduo. Mme Kesenye o ne a phophotha legetla ba khamphani ya Botswana Dulux tiro e ntle e ba e dirang ya go shafatsa sekole seo a re seo se tlaa tiisa moko barutabana gammogo le baithuti go tlhoafalela dithuto tsa bone. Fa a bua maikaelelo a letsatsi, Rre Archie Seane o ne a tlhalosa fa maduo a lokwalo lwa bosupa a sekole seo a ngogola a sa itumedise. O supile maduo a wetse tlase ka a ne a tsamaya fa go 43 per cent ka matshwao a ABC fa go tshwantshanngwa le maduo a ngwagatlola ka 53 per cent ka matshwao a ABC. Rre Seane o boletse fa baithuti botlhe ba ba mo sekoleng seo ba le 867 go simolola ka baithuti ba tonto tshipidi go ema ka lokwalo lwa bosupa. Mo mafokong a gagwe mogolwane go tswa kwa Botswana Dulux Rre Ayanda Sempe o tlhalositse fa maikaelelo magolo a bone e le go busetsa bontlha bongwe jwa madi a ba dirang mo setshabeng ka go ba ruthuntsha ka dikitso ka khamphani ya bone, bogolo jang banana ka seo se ka ba thusa go ipulela dikgwebo ka maikaelelo a go fokotsa letlhoko la ditiro. O ne a bolela fa mo nakong ya gompieno ba setse ba rutuntshitse batho ba feta sekete mme gape ba kgonne go tsenya letsogo mo mhameng wa thuto ka go penta dikago tsa dikole tse di farologanyeng kwa Molepolole, Kasane le Selebi Phikwe. Modulasetilo wa khanselele ya Kgalagadi Rre Meleko Thumpe o ne a leboga mopalamente wa Kgalagadi Borwa e bile e le tona wa dikgaolo le tlhabololo magae Rre Frans Van Der Westruhuizen go bo a ne a tswa ka mogopolo wa go gopola sekole seo ka go ba kopela dithuso mo komponeng ya Botswana Dulux. Modulasetilo o ne a bolela fa baithuti ba tshwanetse go itlama go fetola maduo e bile a gwetlha batsadi go tsenya leitlho le go kgothatsa baithuti mo dithutong. education 4 €˜Ga rena keletso ya go ikokeletsa lebaka la go busa’ Morutabana wa dingwaga tse di masome a mane le borataro wa sekole se sebotlana sa Segopotso kwa Kanye o fitlhetswe a tlhokafetse ka Matlhatso. Mookamela mapodisi a Kanye, Superintendent Mmoloki Mogale, a re bafeti ka tsela ba ne ba kuela mme yo ba mmoneng a rapaletse fa thoko ga tsela go bapa le koloi ya gagwe kwa kgotleng ya Mmamokhasi. A re ka go tlhoka lesego go ne ga netefadiwa fa a tlhokafetse kwa kokelong. A re ga go supege a ne a kgothositswe ka jaana dithoto di akaretsa megala ya letheka e le mebedi, sepache, madi, pasa le karata ya Omang di fitlhetswe mo go ene. Supt Mogale o ne a supa fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse, ebile rre wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi wa kgotla ya Mafikana a itshupile fa pele ga lekgotla ka Mosupologo mabapi le tiragalo eo. A re mosekisiwa o santse a tshegeditswe ke mapodise mme o tlaa ya gape fa pele ga lekgotla kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le boferabongwe. politics 7 Thuto ya boleng ke konokono - Kedikilwe Mothusa tautona wa pele Dr Ponatshego Kedikilwe a re Batswana ba tshwanetse go amogela tekatekano ya bong fa go tla mo go tsa thuto ka seo se tsere lobaka go se amogela. Mothusa tautona wa pele o buile se kwa moletlong wa go kokoanya madi kwa maitisong a mmino a a neng a tshwretswe kwa sekoleng se se ikemetseng ka nosi sa MountPleasant mo Selebi Phikwe,maikaelelo e le go aga phaephe ya kgopho ya metsi a a leswe le go reka bese e e tlaa bong e dirisiwa ke bana ba sekole. Dr Kedikilwe o ne a tswelela a re puso e beile thuto ya boleng jo bo kwa godimo kwa pele maikaelelo e le go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo le go nna mo sekaleng sa mafatshefatshe sa thuto. O ne a supa fa mmaraka wa tsa khiro o sa kgone go amogela botlhe ba dithutego tse di rileng mme ba le mo di puisanong le ba lephata la ditoga maano go bona gore thuto e tsamaelana le se mmaraka o se batlang.Dr Kedikilwe o ne a galaletsa Mme Edna Swaniker yo e leng motlhami wa sekole seo go bo a sa ipona tsapa go fa bana thuto ya boleng mme e se turu e le tsela ya go tlhabolola seemo sa thuto mo toropong ya Selebi Phikwe. O supile fa palo ya bana ba sekole seo e godile e bile se dira sentle fela thata mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa mme seo se dirwa ke tshwaragano ya batsadi le boeteledipele ja sekole. Fa a ntsha la gagwe mogokgo wa sekole seo Mme Edna Swaniker a re puso ya Botswana e ka se kgone e le nosi go fa Batswana thuto ya boleng, a re ke sone se se mo gwetlhileng go simolodisa thuto ya bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase. O ne a supa gore Sekole sa Mount Plesant se simolotse go bereka ka ngwaga wa 1993 ka baithuti ba le batlhano mme mo nakong ya gompieno se godile mo se nang le baithuti ba le 320. Mme Swaniker a re sekole se dira ka natla go ntsha maduo a a kgotsofatsang mme ditlhwatlhwa tsa sone e le tse di ka kgonwang ke motsadi mongwe le mongwe. Mme Swaniker a re o lebogela tshwaragano ya bodiredi le batsadi ba bana ba ba tsenang kwa sekoleng seo ka e dira gore ditiro tsa sekole di nne motlhofo go dirwa. education 4 Lekgotla le rotloetsa thitibalo mo motseng Lekgotla la baruti la maunatlala le itumile molomo wa tlase gore go rene kagiso le thokgamo mo motseng. Lekgotla le tlhamilwe ka maikaelelo a go bopaganya dikereke mo motseng oo ga mmogo le go nna le seabe mo go reng go nne kagiso le thokgamo gore banni ba motse wa Maunatlala ba kgone ba akole ditlhabololo tse puso e di tsisang. Mo potsolosong le BOPA, modulasetilo wa lekgotla leo, Moruti Boiketlo Thapelo yo gape e leng Moruti wa kereke ya UCCSA mo Maunatlala a re lekgotla le le dira tiro ya lone le itebagantse le dintlha di le mmalwa mo go tlhabololeng matshelo a batho. O tlhalositse gore lekgotla le le thusa puso go gasa melaetsa ka go ruta le go rotloetsa setshaba go lwantsha mogare wa HIV le go fa thotloetso le tsela e e siameng ya botshelo go botlhe ka thapelo. A re lefatshe leno le na le kgwetlho e tona ya malwetse a a tshelanwang le a a sa tshelanweng, bogolo jang bolwetse jwa AIDS jo bo ileng ba gapa matshelo a batho ka dipalo tse di kwa godimo mo dingwageng tse di fetileng. A re go botlhokwa gore dikereke di tshwaragane le puso go gasa melaetsa ka malwetse a ga mmogo le go rotloetsa banana go ikgapha mo tlhakanelo dikobo e e sa sireletsegang ba ise ba nyalwe kana ba nyale. A re lekgotla le le itebagantse gape le go nyadisa le go fa dikgakololo le thuto mo go tsa nyalo le botshelo ka kakaretso. A re ba itemogetse gore boleng jwa lenyalo bo tsweletse ka go wela tlase ntswa lenyalo e le selo se se rotloediwang mo bakereseteng, a re lenyalo ke lone motheo wa lelwapa. A re fa go sena motheo wa lelwapa go tsala dilo tse dintsi, dingwe tsa tsone e le boitsholo jo bo sa siamang ga mmogo le palo e e kwa tlase ya batho. O supile fa ba thusa ka go letlanya banyalani gore go nne le kagiso le thokgamo mo malapeng. Moruti Thapelo o supile fa lekgotla le tlhatlhelela baruti le baeteledipele ba dikereke ka go farologana ka go rera lefoko la Modimo le go nna baeteledipele ba tlhwatlhwa. “Maikaelelo a rona ke go bona dikereke ka go farologana di kopane di le moono mongwe ka rotlhe re rapela Modimo o le mongwe gape re le lekgotla re thusa dikereke tse di sa kwadisiwang go kwadisa le lephata la kwadiso ya mokgatlho ka fa molaong,” Moruti Thapelo a bua. Moruti Thapelo a re lekgotla la baruti le ruta Moruti mongwe le mongwe go itse le go nna le boikarabelo mo setshabeng le go abelana maele mo go tsa thero le tiriso ya go farologana ga ditemana tsa baebele. Modulasetilo wa lekgotla a re e sale jaaka lekgotla le tlhamiwa ba setse ba fitlheletse dilo di le dintsi mo motseng wa bone wa Maunatlala jaaka go rapedisa motse le banni, go ruta baruti ka thero le go abelana kitso mo lefokong la Modimo. A re mo ngwageng o o fetileng ka kgwedi ya Lwetse ba kgonne go rapedisa lefatshe mo mafelong a a farologaneng jaaka dikgotlana le maphata a puso go simolola Lwetse a rogwa go fitlhela a fela ka letsatsi la boipuso kwa Kgotleng. “Dikgwetlho tse re kopanang le tsone ke go goga dinao ga dikereke tse dingwe mo go nonotsheng lekgotla la baruti gore kereke nngwe le nngwe e nne le leloko mo lekgotleng, se sengwe ke go sa nneng teng ga banna mo mekgatlhong e tshwana e,” Modulasetilo Thapelo a tlhalosa. Moruti o netefaditse gore lekgotla le bereka sentle le banana ba motse go leka go ba ntsha mo diemong tse ba kopang le tsone jaana letlhoko la ditiro le tiriso e e feteletseng ya nnotagi. “Re le lekgotla la baruti re bereka ka natla go tswelela re tsholeditse seriti, boleng le serudumo sa tumelo ya Sekeresete,” Moruti Thapelo a bua. Modulasetilo o tlhalositse fa ba rulagantse le banni, babereki, dikereke tsotlhe gammogo le baeteledipele ba Maunatlala gore e tlaa re Tshipi wa bobedi wa Phatwe ba bo ba phuthegile botlhe kwa Kgotleng kgolo ya motse go ya go rapedisa motse. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Komiti e atla kemo nokeng ya batsadi Lefatshe leno le gatetse pele ka go tswelela le tokafatsa seemo sa thuto mo lefatsheng leno ka bophara e bile le itlamile go fa ngwana mongwe le mongwe sebaka sa go ithuta go sa kgathalesege gore ke wa seemo se fe. Go rurifatsa se, go supagala fa bangwe batsadi ba ema maiteko a nokeng ka jaana ba gatetse pele go dirisana le barutabana kwa dikoleng. Mo puisanong bosheng, modualsetilo wa komiti ya batsadi le barutabana kwa motseng wa Semitwe mo kgaolong potlana ya Tutume, Mme Hahizee Masalila, o ne a supa fa komiti e e itumedisiwa ke kemo nokeng e batsadi ba e supang tebang le dithuto tsa bana ba bone. A re batsadi ga ba nna fela ka go phutha diatla kana go baya gotlhe mo diatleng tsa bogogi jwa sekole. A re se se itumedisang le go feta ke gore fa batsadi ba bilediwa bokopano kwa sekoleng ba tla ka makatanamae, a tlatsa ka gore le fa go sena pitso ba kgona go tla fela go lekola tiro ya bana ba bone. Mme Masalila o ne gape a supa fa tirisano ya bone le batsadi e sa remelela fela mo thutong, a re bangwe batsadi ba supa mowa wa boithaopo ka jaana ba tle ba phepafatse sekole le matlwana a boitiketso a bana ba a dirisang, ntle le go lopa dituelo dipe. A re ntswa bangwe ba thapilwe ka lenaneo la Ipelegeng go setla mabele gore bana ba kgone go direlwa se ba ka se jang, bangwe batsadi ba tsweletse ka go ithaopa go thusa mo tirong eo. Mme Masalila a re tirisano e e renang fa gare ga batsadi le barutabana e dira gore sekole se sebotlana sa motse se tswelele ka go ntsha maduo a a kgatlhisang. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Batisani Joseph, wa motse oo, o ne a akgola banni ba motse go bo ba sa ntse ba tlotla tirisano mmogo le therisano. A re therisano e e renang mo motseng e dikile e ba tsiseditse sejana sa maemo a ntlha sa kgaisano ya motse o o phepa mo kgaolong ya Legare. Kgosi Joseph a re ba dumelane ka bongwe fela jwa pelo gore leswe e nne mmaba mo motseng, a tlatsa ka gore go dira jalo ba ipopile ka ditlhopha mo dikgotleng tsotlhe ka boraro mo motseng go netefatsa gore seelo se ba se ipeetseng tebang le go phepafatsa tikologo ya motse se a atlega. A re ditlhopha tse di rera gangwe le gape ka maano a a ka thusang go phepafatsa motse. Kgosi Joseph a re le ntswa Semitwe e le legae, ba rotloetsa banni go disetsa leruo la bone kwa masimong fa e se nako ya temo, go itsa gore le tlaletlale mo motseng mo le ka felelang le baka tshenyo mo ditshingwanneng tsa bangwe tsa merogo. Mo go tse dingwe, Kgosi o ne gape a supa fa banni ba motse ba amogetse mananeo a nyeletso lehuma ka tsoo pedi. A re mananeo a a ogotse ba le bantsi mo isong e bile a file bangwe ba ba neng ba tshelela mo lehumeng seriti. Le fa go ntse jalo, kgosi a re o bete se molangwa ka go diega ga mananeo. A re bangwe sale ba ikwadisitse mme nako kgolo ke eno, ba sa ntse ba letile. Bokhutlo education 4 Ba ga Mathibatsela ba tshwere ka thata Mo potsolotsong le A re Kodibeleng o agilwe ka dikgotlana tse tharo ka palo ya morafe e e ka tshwarang 2 100. Le fa o wela ka fa tlase ga kgaolo-potlana ya Shoshong mo ga MmaNgwato, motse wa Kodibeleng o ikadile ka bokone jwa motse wa Shoshong. O agilwe ke morafe wa Bakwena le Basarwa. Le fa leina la motse e le Kodibeleng, Kgosi Khukhwane a re motse o tlholegile o bidiwa wa ga Mathibatsela, e le leina la Kgosi wa pele. “Le mo nakong eno morafe wa Kodibeleng ba ikana o re ke, morafe wa ga Mathibatsela.” A re leina Kodibeleng ke la letsha le le gaufi le motse mme le namola morafe mo lenyoreng ka le kgona go tshwara metsi ka lobaka. “Letsha leo, le thusa barui ka metsi a a nowang ke leruo,” ga tlhalosa Kgosi Khukhwane. Kgosi Khukhwane a re morafe wa gagwe o itshetsa ka temo, sebe sa phiri ke gore ba tlhorontshiwa ke leruo le le senang tlhokomelo, selo se se kuketsang dikgotlhang mo motseng. O supile gore palo e ntsi ya morafe wa Kodibeleng ba lema kwa masimong a Ramantswe mme ke bone ba ba tshwenngwang thata ke tshenyo ya leruo. “Dingwe tsa dikgomo tse di tshwenyang balemi ke tsa matimela,” ga tlhalosa Kgosi Khukhwane. Le fa go ntse jalo, Kgosi Khukhwane a re bontsi jwa dikgang tse di amang tshenyo ya diwalo mo masimo di rarabololwa ka boammaaruri. Sengwe sa dilo tse di tshwenyang kgosi ke boitseme jwa banana mo go diriseng mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone. A re le fa ba nyafala go dirisa mananeo a puso, ba inaakantse le nnotagi, seemo se se ka ama botsogo jwa bone. A re letlhoko la ditiro le dira gore banana ba tsee nako e ntsi ba phuthile mabogo ka go se motlhofo gore ba ka hirwa botlhe mo Ipelegeng. Kgosi Khukhwane a re tikologo ya motse wa gagwe e humile dibapalwa-nageng, segolo bogolo kungwa ya mogwana, e e dirisiwang thata go titiela khadi. A re seemo seo, se dira gore mongwe le mongwe a kgone go rathola, ka jalo go ame thokgamo le kagiso mo motseng. O rotloeditse morafe wa gagwe go bapala mogwana le go o rekisa go dira letseno le le ka tokafatsang matshelo a bone. O tsweletse ka go akgola letsholo le le boloditsweng ke sepodisi go lwantsha bogodu jwa leruo la KgomoKhumo ka gore le tlaa thusa go fokotsa borukutlhi jo bo tsereng phekelo e sele. Le fa go ntse jalo, Kgosi Khukhwane a re mapodisi ga ba kake ba kgona tiro ya bone ntle le thotloetso ya morafe. Kgosi Khukhwane o tsweletse a gakolola batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana. A re o tshwenngwa thata ke batsadi ba ba itlhokomolosang bana mme bangwe ba bone ba felele ba phuagantse sekole ba nna kwa malwapeng. Le fa go ntse jalo, kgosi o supile gore ka thuso ya morafe, motse wa Kodibeleng o tlaa tswelela ka go gola, mme se se botlhokwa ke go itsege ka ditiro tse di molemo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Gaokgakala Ditsheko a re o dumela gore komiti e dira go utlwala go godisa leina la motse wa Kodibeleng. Le fa go ntse jalo, Mme Ditsheko a re ba santse ba tshwenngwa ke bahirisi ba ba sa dueleng sentle le gone go duela dikoloto tsa metsi. A re ba tsweletse ka go loga maano a go dira ditiro tse di tsenyang madi mo letloleng la komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Kodibeleng. Le fa e aperwe ke dikoloto, Mme Ditsheko a re komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Kodibeleng e tshwara dibuka tsa madi le dithoto tse dingwe tsa morafe sentle. society 9 Molefhi o solofetsa tirisano mmogo Mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofo Molefhi, o solofeditse morafe o o neng o kokoane kwa kgotleng ya Botshabelo le Ikageleng tirisano mmogo ga gare ga gagwe, setshaba le makhanselara. O ne a kopa makhanselara go lebala ka tse di fetileng a tlhalosa gore ba tshwanetse go nna selo sele sengwe go direla setshaba se se ba tlhophileng go sa kgathalesege gore ke ba diphathi tse di farologaneng. O ne gape a tlhalosa gore o setse a simolotse go bereka mmogo le mopalamente wa kgaolo ya Selebi Phikwe Bophirima, Rre Ditlhapelo Keorapetse, ka ba setse ba etetse makalana a puso le a a ikemetseng felo ba le mmogo go bona ka fa ba ka tlhabololang toropo ya Selebi Phikwe ka teng. O ne a leboga batlhophi a re ba supile tshepho mo go ene go bo ba mo mmuseditse kwa palamenteng go tsweledisa fa a neng a eme teng. Mopalamente Molefhi o ne a tlhalosa gore o neetswe maikarabelo a go nna tona wa dikago le boranyane mme e le tiro e e bophara go na le a neng a e dira mo dingwageng tse di fitileng. A re ke tshwanelo ya gagwe go tlhokomela dikago dingwe le dingwe tsa puso mo lefatsheng la Botswana ka jalo se se raya gore ga ba na go mmona a buisa diphuthego jaaka ba solofetse mme a ba solofetsa gore gaana go ba lebala o tla nna a ba tlhola fa a bone nako. E rile a lekodisa phuthego ka tsa palamente e e fitileng a bua gore puso e mo thulaganyong ya go sekaseka molao wa kwadiso ya mekgatlho le makgotla,a re tsetlana e ba tla e tsenyang leitlho ke e e amang kwadiso ya dikereke. Mopalamente a re puso e tshwentswe ke go runya ga dikereke mme tse dingwe go lebega di obamela medimo ya disetwa. O tlhalositse gore puso e seka seka gore kereke e nne le maloko a ka tshwarang makgolo a mabedi le masome a matlhano kgotsa go feta go ka tlhomamisiwa ka fa molaong. Mo go tse di amang tsa temo, Rre Molefhi o ne a tlhalosa gore puso e ntshitse lekgetho la (VAT) mo didirisiweng tsa temo di tshwana megoma le tse dingwe go fa bagwebi tshono ya go go nna le didirisiwa tsa temo go itirela dijo. Rre Molefhi o ne a tlhalosetsa morafe fa mochine o o tlaabong o dirisiwa go apaa merogo le masika a one o gorogile mme ba Botswana Development Cooperation ba santse ba baakanya lefelo le go tlaabong go dirwa tiro ya go nna jalo teng. A re go solofetswe gore tiro e tlaabo e wetse ka kgwedi ya Tlhakole mono ngwaga,le fa go ntse jalo o kgotlhaditse banni ba Selebi Phikwe go ema ka dinao mo temong go tla go dirisa ditlamelo tse ba di tiseditsweng. Rre Molefhi o tlhalositse gore le ba madirelo a a tla bong a nyerolosa ditshipi ba tshwere ka thata go dirahatsa maikaelelo a bone.A re ba tshwaragane le go dira mafaratlhatlha a motlakase o o tla a bong o lekane go nyerolosa ditshipi ka go lebega di tla nna dintsi.O tsibositse morafe go ela tlhoko mo thekisong ya ditshipi gore ga ba amane le tse di ka tsogang di ba tsentse mo mathateng. Mo go tse dingwe Rre Molefhi a re borukhuthi mo Selebi Phikwe bo supafetse fa bo wetse kwa tlase go ya ka dipalo mme se se dirwa ke tshwaragano magareng ga banni ba Selebi Phikwe le ba sepodise. A ba rotloetsa go tshwara ka thata go lwantsha borukutlhi. Erile ba akgwa mopalamente wa bone dikgaba mongwe wa banni Rre Gravis Lekopa Bolamber a re ba itumelela tekodiso ya gagwe, mme a re o na le lesokolela ka tsela ya Sefhophe –Martins Drift a re batho ba feletse mo go yone. O tlhalositse fa e na le dingwaga e ntse ele dikhutli a re bontsi ja batho ke yone e ba e dirisang go reka maungo kwa dipolaseng ka jalo e tshwanetse go potlakelwa.BOKHUTLO politics 7 Mananeo mokwatla wa itsholelo ya dikgaolo Lenaneo la Ipelegeng ke lengwe la mananeo a batho ba lefatshe leno ba ikaegileng ka one go itshetsa le gone go tlhabolola dikgaolo tsa bone. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mokobeng mo kgaolong ya Tswapong Mme Dorothy Podiso o lebogetse mananeo a Ipelegeng le nyeletso lehuma. E rile a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng a re itsholelo ya motse wa Mokobeng e a phophoma ka ntlha ya mananeo ao. A re lenaneo la Ipelegeng ba le dirisa go tlhabolola motse jaaka go aga matlo a komiti ya ditlhabololo tsa motse a ba a hirisetsang ba direlapuso ba ba berekelang kwa Mokobeng. A re ntswa lenaneo le e se la sennela ruri e bile e se tiro,le thusa banni ba motse ka lemmenyana la madi gape le ntsha maduo a mantle a tshwana go phepafatsa motse ga mmogo le go ntshafatsa dikago tsa puso. O ne a tlhalosa ka gore mo motseng wa Mokobeng, Ipelegeng e hirile batho ba le masome a matlhano le bongwe. O ne a tlhalosa fa go na le batho ba le babedi ba ba apeelang babereki ba Ipelegeng dijo, a supa fa ba reka dijo tsa teng mo mabentleleng le dimausu tsa motse ka jalo se se dira gore madi a amoganwe fela mo motseng oo. Mme Podiso a re o tshwenngwa ke dipalo tse dintsi tsa banana ba ba berekeng mo Ipelegeng, a re o ipotsa gore ke eng ba sa kope mananeo a mangwe a nyeletso lehuma kana lenaneo la banana la go itshimololela kgwebo (YDF) ba tlogelela bagolo Ipelegeng. Tsamaiso ya Ipelegeng ya motse wa bone ke gore batlhoki ba berekele ruri ka se se ka leka go ba fokoletsa manokonoko a go amiwa ke lehuma. A re ba na le batlhoki ba le bararo ba ba berekang kgwedi le kgwedi,a re ba dumelane le batlhoki bao gore kgwedi le kgwedi go tsewe makgolo a mabedi a dipula mo dituelong tsa bone,gore ba rekelwe semente sa kago gore le bone ba tle ba nna le matlo a a botoka. O ne a tswelela ka go lebogela lenaneo la Tirelo Setshaba a re le lone le na le seabe mo itsholelong ya motse oo. A re lenaneo la Tirelo Setshaba le thapile banana ba motse ba le masome a mabedi. O tlhalositse fa banana bao ba direla kwa kokelwaneng, kwa kgotleng, kwa ofising ya molemisi, kwa dikoleng tsa Mokobeng se setona le se sebotlana. A re o itumelela gore Tirelo Setshaba e thusa banana go ithuta tiro ba tshwere ka diatla gape a re o lebogela badirelapuso ba ba rutang bana ba tiro go tswelela fela jalo. Mme Podiso a re lenaneo le,le thusa banana mo go ikgapheng mo ditirong tse di maswe jaaka bogodu le tse dingwe fela jalo.A re o namediwa pelo ke gore banana ba ba mo lenaneong le ba dira tiro ya bone ka botswapelo, boineelo le bokgabane. O ne a bua ka monyenyo ka nako e badiri ba Ipelegeng le Tirelo Setshaba ba gololang ka yone, a re nako e ba tswang mo tirong ka yone e a mo itumedisa ka jalo ba ka nna le sebaka sa go ikopela mananeo a mangwe a puso. society 9 Mokgatho wa BMW o aba ntlo Modulasetilo wa lekgotla la Botswana Association of Local Authorities (BALA), Moruti Mpho Moruakgomo a re le fa go na le Batswana ba matshelo a a kwa tlase, puso e na le mananeo a a itebagantseng le go tokafatsa seemo sa matshelo a bone. A re seabe sa mekgatlho le Batswana ka bongwe ka bongwe se botlhokwa thata mo go thuseng puso go diragatsa maitlamo a go nyeletso lehuma. O buile jaana a akgola mokgatlho wa boutlwelobotlhoko wa Bavarian ka go supa maikaelelo a go tlhabolola matshelo a Batswana bosheng jaaka mokgatlho oo, o o tlhamilweng ke bakgweetsi ba dikoloi tsa BMW ba abela Mme Ponaka Dipotso le Rre Pudulogo Borwa ntlo ya kamore e le nngwe, diaparo le dijo kwa Dibete. Moruti Moruakgomo a re ditiro tsa mokgatlho wa Bavarian di supa fa ba na le maikarabelo a a kwa godimo a go tshegetsa letshego la tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala. O supile gore lefoko la Modimo le lone le rotloetsa batho gore ba rate bangwe ka bone jaaka ba ithata. A re go dira jalo go ka thusa go nyeletsa lehuma ka ponyo ya leitlho. O gateletse fa se se dirilweng ke mokgatlho wa Bavarian se tlotlomatsa seriti sa yo o abelwang. Moruti Moruakgomo a re dingwe tsa ditiro tse di dirilweng ke mokgatlho wa Bavarian ke gore ba Maun BMW ba ikgethetse go thusa lekgotla la Bana ba Metsi fa kwa Moshupa ba Moshville bone ba itshwaragantse le ofisi ya botsogo go thusa go anamisa molaetsa mo setshabeng ka malwetse a a sa tshelanweng. Moruti Moruakgomo a re makgotlana a a ka fa tlase ga mokgatho wa BMW mo Botswana a tlhoka go akgolwa ka gore ba supa fa ba sa rotloetse botlhoka tsebe. A re ba dirile jalo ka thuso ya bagwebi bangwe jaaka ba Capital Motors le Just Bricks. O ba kgothaditse gore mowa wa neelano, lorato le kutlwelobotlhoko o age mo dipelong tsa bone. Rre Moruakgomo o gakolotse mokgatlho wa Bavarian go ikgapha mo go diriseng nnotagi ba kgweetsa, go obamela matshwao a tsela le go kgweetsa ka lebelo le le laotsweng go fokotsa dikotsi tsa tsela. Moemedi wa mokgatho wa Bavarian, Rre Godiraone Ramontsho a re seemo sa ga Mme Dipotso le Rre Borwa se lemogilwe ke mongwe wa moloko a le mo mosepeleng a feta ka Dibete. E rile a bua mo boemong jwa Kgosi wa Dibete, Kgosana wa kgotlana ya Maemela, Rre Solomon Senne a gakolola bobedi joo go nyalana gore ba kgone go dirisa dithoto tsa lelwapa la bone ba sa kgorelediwe ke sepe. O ba kopile go tlhokomela ntlo e ba e agetsweng a re ga a eletse go utlwa kamoso go twe ba rekisitse lelwapa. BOKHUTLO politics 7 Baithuti ba fa kokelwana tanka Kgosi Lotlamoreng II wa Barolong a re go botlhokwa gore baithuti ba itebaganye le ditiro tse dingwe tse di ka tokafatsang matshelo a batho mo metseng e ba ileng go direla mo go yone. E rile a amogela mpho ya tanka ya metsi le mokwalo o o supang kokelwana ya Goodhope, Kgosi Lotlamoreng II a re dimpho tse ke sekao sa tshaba e e kopanyeng e bile e ipela; tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala ka ba bangwe, mo maitekong a go fitlhelela toro ya lefatshe leno ka ngwaga wa 2016. Kgosi a re baithuti bao ba booki ba ne ba tsaya kgato e ntle ya go direla setshaba ka tsela e e faphegileng, e e pharologano mo go e ba e fang batho ka malatsi otlhe mo dikokelong. A re se se supa fa ba ne ba direla setshaba ka botswapelo le boineelo go leka go tokafatsa matshelo a banni ba kgaolo ya Morolong, go sa kgathalesege gore ga ba tswe mo kgaolong ya bone kana jang. O tlhaloseditse baithuti bao gore ba seka ba ipona tsapa kana go ngongorega fa ba romelwa mo khutlong tse nne tsa lefatshe leno go ya go direla teng, a tlhalosa fa bana ba kgaolo ya gagwe le bone ba gasame le lefatshe leno go direla setshaba. O ne gape a leboga setshaba sa Morolong ka go etela kokelo eo, a tlhalosa fa go tla ga bone go thusitse baithuti bao go tsweledisa dithuto tsa bone sentle. O ne a tsibosa banni ka fa mpho eo e leng ya bone botlhe ka teng, le botlhokwa jwa go e dirisa sentle gore e ba tswele mosola. A re ba se nose leruo mo tankeng eo ka e beetswe foo go ba namola seemo sa letlhoko la metsi. Kgosi o boleletse morafe gore go sa diriseng tanka eo ya metsi sentle go ka baka gore e felele e lotlelwa mme metsi a bo a gelelwa ka selekanyetso go tila tiriso ka bofafalele. E ne ya re a ba ema ka lefoko, mongwe wa baithuti Mme Boineelo Mokgethwane a supa fa maikaelelo a go tla ga bone e ne e le go ithuta gore setshaba sa Morolong se tshela jang le gone go nonotsha dikitso tsa bone tsa booki. Mme Mokgethwane a re ba ne ba dira tshekatsheko mo motseng go batla se e leng letlhoko le legolo mme ba lemoga fa letshwao le le supang kokelo le letlhoko la metsi e le tsone konokono e ba ka itebaganyang le yone. A re boimana jwa banana le malwetse a tlhakanelo dikobo ke kgwetlho mo kgaolong ya Morolong, mme le fa go ntse jalo ba ne ba felela ba ruta setshaba le baithuti ka seemo seo. O tlhalositse gore ba ne ba kopana le dikgwetlho tse dintsi jaaka letlhoko la dipagamo, go sa nneng le seabe se se feletseng ga morafe, nako e khutshwane e ba e filweng le go sa nneng teng ga badirela puso mo diofising go ba fa tshedimoso e e lolameng. E ne ya re fa a amogela baeng, mogolwane wa kokelo eo, Mme Monica Dikupe, a re baithuti bao e leng Shylock Nyamunga, Mpho Seretse, Boineelo Mokgethwane le Kagiso Motlasuping, ba ne ba tsile go ithuta ka fa balwetswe ba tshwarwang ka teng. Mme Dikupe a re ka e le lantlha ba amogela baithuti ba go nna jalo, o kgothatsa ba sekole sa ithutelo booki go ba isa kwa metseng e e kgakala le ditlamelo. A re se se ka thusa go re fa ba fetsa dithuto ba bo ba ithutile matshelo a koo. O tlhalositse gore go bewa mo metseng e megolo go dira gore fa ba isiwa kwa dikgaolong ba bo ba bona ekare ba a sotliwa ka ba ise ba itse gore teng go tshelwa jang. BOKHUTLO education 4 Motheo wa lelwapa o na le seabe mo kgokgontshong Kgosi ya Mahalapye, Kgosi Tshipe Tshipe a re motheo wa lelwapa o nale seabe se setona mo dikgannyeng tsa kgokgontsho ya bomme le bana. O buile se, kwa tshimodisong ya malatsi a le lesome le borataro a go lwantsha kgokgontsho ya bomme le bana, segolobogolo dikgang tsa thubetso. Letsatsi le, le ne le rulagantswe ke lephata la merero ya setshaba, boagedi le tsa bong le tshwaragane le mokgatlho wa bomme ba thapelo. Fa amogela morafe o neng o tsile pitsong, Kgosi Tshipe o supile matshwenyego a gore, le ntswa tiro e, e le ya ngwaga le ngwaga, maduo ga a bonale. Ka jalo, o rotloeditse banni ba Mahalapye go tsaya nako e, go gakololana ka se se tshwanetsweng go dirwa go lwantsha dikgwetlho tsa kgokgontsho ya bomme le bana. A re ga go thuse go bua ka selo mo e feletsang e kare ke pina, seemo sone se sa tokafale. O kopile batsadi gore ba leke gore dikokomanetse di tlang di fitlhele kgokgontsho e fedile. Mo godimo ga moo, o ne a tsibosa banni ka botlhokwa jwa go ruta bana kwa malwapeng go tlotlana. A re setshaba se tshwanetse go itse gore, ‘lelwapa ke tshimolodiso ya sengwe le sengwe, ka jaana lelwapa ke lone le agang kgotla, kgotla e aga motse, motse o aga lefatshe.’ Kgosi Tshipe o gateletse gore go elwe tlhoko maatla a leina la ngwana ‘ka jaana le ka nna le seabe se setona mo go rotloetseng kgokgontsho.’ “Fa ngwana a ka nna mosimane a le nosi mo gare ga basetsana, o tla bitswa Kgosietsile, mme se, se mo fe maatla le dithata, lefoko la gagwe la ntlha e nne, kana ke Kgosi ya lona,” ga tshwaela Kgosi Tshipe. E re le ntswa setshaba se ne se le boutsana, Kgosi o supile ngongorego gape ya gore borre ba ne ba tlile ka palo e potlana, mme ba amega thata mo dikgannyeng tsa kgokgontsho ya bomme le bana. Ntlha e, a re e a tshwenya ka go feletsa go akarediwa borre botlhe gore ba amega mo go tsa kgokgontsho. A re le borre ba ba siameng ba felela ba sa lemosege. O tlhalositse gape gore go botlhokwa gore borre ba rutane ka ditlamorago tsa kgokgontsno le go abelana mogopolo ya go e lwantsha. Fa a ntsha la gagwe, Mookamela kgolegelo ya Mahalapye, Rre Shakani Thami o tlhalositse fa dikgang tsa kgokgontsho di tlhoka go tsibogelwa ke lefatshe ka bophara. Rre Thami o galaleditse mafoko a ga Kgosi Tshipe, a supa fa ditsela tsa malatsing ano tsa kgodiso ya bana, le tsone di senya kagiso. O itsisitse banni gore dikgang tse, di tlhokana le go reetswa mme tsa rarabololwa ka tsela e nitameng. O tladitse gape ka gore, ‘se se botlhokwa ke go ruta kokomane e tlang go tshela le batho, ka go le botlhokwa gore bana ba itsane le bo kgaitsadiabone’. A re dithubetso ga go tewe fela tsa mo mebileng, mme le kwa lwapeng di teng tsa batho ba tshela mmogo. O gakolotse gore dikgang tse di botlhokwa gore di tswele mo mpepeneneng gore go nne le tharabolo. “Go bipa dikgang tse ga go beye lefatshe mo kagisong. A re molato wa thubetso ya bomme le bana ke go ba ogola ditshwanelo tsa setho. Erile a fa seemo sa dithubetso mo motseng wa Mahalapye, mookamela mapodise a Mahalapye, Rre Omphile Malemenyane, a supa fa dipalo di gogomosa maikutlo. Rre Malemenyane a re kgokgontsho e ntsi e bile e diragala ka ditsela tse di farologaneng, gape e diragalela segolo bogolo bomme le bana. O supile fa dithubetso tse di diragetseng mo sebakeng sa ngwaga go tswa ka Ngwanatsele 2018 go tsena jaana, di le masome a supa le borataro. A re batswa setlhabelo go tswa kwa tlase ga ngwaga go ya go dingwaga tse di lesome le bofera bobedi ba masome mararo le bobedi. A re ba ba dingwaga tse di lesome le boferabongwe go ya ko go tse di masome a mararo le botlhano ba lesome le bosupa, fa ba dingwaga tse di masome a mararo le borataro go ya ko go tse di masome a matlhano ba le masome a mabedi le bosupa. Dipalo tse, Rre Malemenyane a re di supa gore ba ba ko tlase ka dingwaga ke bone ba ba amegang thata. Ka jalo, o kopile banni go nna le tirisano mmogo le mowa wa bojammogo, mo go tsibogeleng tshireletsego ya bone le ba malwapa a mabapi. Mogolwane wa lekana la tsa bong (senior gender officer), Mme Keikantseone Gaowelwe a re maikaelelo a letsatsi le ke go tsibosa setshaba go ka boikarabelo jwa sone mo go lwantsheng kgokgontsho ya bomme le bana. O tlhalositse gore se,se ka kgonagala fela fa batho ba ka itse gore ga se ntwa ya puso e le nosi. crime_law_and_justice 1 Metsi a tlaa tsenngwa kwa Extension 6 le 7 Mopalamente wa Palapy,e Rre Moiseraela Goya o fokoditse selelo sa baagi ba Extension 6 le 7 kwa Palapye, sa metsi, a kaya fa ba tla tsenyediwa metsi mo bogaufing. E rile a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Extention 7 bosheng, a ba itsise fa madi a go gokela metsi mo ditsheng tsa bone a ntshitswe maloba ka nako ya kabo ya madi. O boleletse banni fa ba lephata la metsi ba setse ba le malala a laotswe go ka simolola tiro ya go gopa fa dipompo di tla fetang teng. Rre Goya o ne a leboga bogosi go bo bo setse bo file kgosi wa kgotla eo marapo a go ka simolola go dirisa kgotla ya bone ya Ext 7, a re ke tiro e molemo, ka go fokoletsa morafe o mosepele wa go latela kgosi kgakala fa tlhokana le thuso. Le fa go ntse jalo, o ne a kopa borre ba kgaolwana eo go ema ka dinao go agelela kgotla ka mapako, mme a kopa ba komiti ya ditlhabololo go okomela sekgwama sa bone go bona gore ba aga leobo la kgotla eo, gore morafe o seka wa bolawa ke diphefo ka nako ya go le kwa kgotleng. O ne gape a kopa gore banni ba ntshe leruo le le gobeyang mo motseng, mme ba le ise kwa merakeng, a tlhalosa fa ele molato go bo leruo le saila mo motseng. Rre Goya o ne a tlanyatlanyetsa batsena phuthego ka dikgang tsa palamente, tse ngwe ya tsone a supileng fa go filwe maemelo a dibese mo Palapye madi a kana ka P25 million, mme a re tsholofelo ke gore a tla wediwa ka kgwedi ya Phatwe monongwaga. Motlotlegi a re puso e tla tswelela e iteka ka go tsaya batho tema mo go lemeng, fela fa ba ka lema ka ditselana. Ogomoditse Ralegoreng o ne a ikuela mo go mopalamente a re ba beilwe ditsha mo mogobeng jaanong fa ba aga matlo a phatloga. Go tsibogeleng kgang e, Rre Goya o tlhalositse fa a tla fetisetsa ngongora eo kwa go b aba lebang, a tlhalosa f aka tshwanelo, ba lekgotla la kabo ditsha ba tshwanetse go dira ditshekatsheko mo lefelong pele ba ka aba lefatshe. Tebang le ngongora e e neng ya tswa, ya gore go ka tswa go na le boferefere jo bo dirwang fa go thapiwa badiri mo Ipelegeng, o ba kopile go dirisa khupelekhupele go hema dintwa. Mothusa kgosi wa Palapye, Kgosi Klass Motshidisi e ne o supile fa badirela puso ba sa ba rerisi ka ditlhabololo tsa motse wa Palapye.BOKHUTLO society 9 Bahurutshe ba ipelela ngwao Bahurutshe ba ga Mmapula-a-Modisane ba tlaa tlhola ba ipelela ngwao. E rile a bua le BOPA mo potsolotsong maabane, Kgosi Robert Mangope a re Mothusa Tauotona, Rre Mokgweetsi Masisi, yo e bileng e le mopalamente wa Moshupa/Manyana o solofetswe go tsena mokete oo. A re Bahurutshe go tswa Tonota, Mmankgodi le Mogonye, ba a tlhalositseng fa e le bana ba motho, ba tlaa bo ba tshwaraganetse moletlo. Kgosi Mangope o tlhalositse fa motse wa oo-Manyana o na le ditso tse di nonneng ka e le one o Batswana ba neng ba ikopanya go lwantsha morafe wa batho basweu ba ba neng ba sa ba jese diwelang ka nako eo. A re ba eletsa go dira difikantswe tsa dikgosi tsa merafe yotlhe e e kileng ya nna mo Manyana jaaka Bangwato, Bakgatla, Bangwaketse, Bakwena le ba bangwe gore ba seka ba lebalesega mo ditsong tsa lefatshe leno, selo se a reng se tlaa thusa go ngokela bojanala kwa kgaolong eo. Kgosi Mangope gape o lebogetse banana go bo ba supile kgatlhego ya go natetsha letsatsi leo ka metshameko le mmino wa ngwao, selo se a reng se supa kgatelopele. O bile a tlhalosa fa monongwaga ba laletsa batho ka bongwe ka bongwe go tla go bapatsa mekgabisa ya ngwao go na le dikhamphani jaaka ba ne ba dira mo dingwageng tse di fetileng. A re maikaelelo ke gore ba fe batho sebaka sa go ipapatsa ba tle ba kgone go tswelele ba dira kapari le mekgabisa e e supang ngwao. Kgosi Mangope o lebogetse puso go tswelele e ba eme nokeng mo maitekong a bone a go tsosolosa le go tshegetsa ngwao ya Bahurutshe. E rile a ntsha la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ngwao, Rre Gababotswe Leiso le ene a tlhalosa fa ba batla go fetolela ngwao ya Bahurutshe kwa bojanaleng ka go somarela matlotlo a ditso mo kgaolong ya bone gore bajanala ba kgone go tla go a bona, selo se a reng se ka tlhamela banana ditiro. arts_culture_entertainment_and_media 0 Kgosi o gwetlha mekgatlho go obamela melao-metheo Kgosi Kebapatile Montshiwa wa Lehututu o gwetlhile mekgatlho e e mo motseng wa gagwe go obamela melao-metheo e e beilweng, a re e ka ba nonotsha go tsamaisa ka bonokopila. O buile jalo ka Labobedi jaaka a ne a amogela ba mokgatlho wa He-Tshubago Society, fa ba ne ba abela malwapa a maloko a bone dikgetsana tsa semente di le masome a mabedi le boferabobedi morago ga gore matlo a bone a jewe ke molelo bosheng, mme ba sala ba iphotlhere. Kgosi Montshiwa o supile fa gantsi go runya mekgatlho, mme e re go ise go ye gope, e bo e phutlhama, sebe sa phiri e le gore ga go na molao-motheo o o tsepameng o o ka ba bontshang tsela. A re go le gantsi molao-motheo, le fa o le teng bangwe ga ba o tlotle, ka jalo selo se se tlhofofaletse maloko go gogela kobo ntlha e le nngwe. Ka jalo, o ne tsibosa maloko gore ditshetlhana tsotlhe tsa molao di tshwanetse go obamelwa, a tlatsa ka go re ga go na ope yo o kwa godimo ga molao. Kgosi Montshiwa a re molao- motheo o a letla gore yo o tlolang molao a tseelwe dikgato tse di maleba. A re seo se ka tsisa seriti mo mokgatlhong. A re dikgang di tshwana le tiriso botlhaswa ya madi, go lwela maemo le go nna makgamu, ke dingwe tse di kgoreletsang tsamaiso ya mekgatlho. O ne a ba rotloetsa go thapa badupi ba dibuka le gone go netefatsa gore ba isa pego ya teng kwa go ba lekgotla le le itebagantseng le mekgatlho e e kwadisitsweng ka fa molang go itsa go kgaolwa mo bolokong. Mo go tse dingwe, kgosi o ne a ba rotloletsa go tla ka methale mengwe ya go ka ikgobokanyetsa madi, go na le go ntsha mo dikgetsing tsa bone nako tsotlhe, gore ba tle ba kgone go tsenya lentswana mo katolosong ditirelo tsa bone tsa bopelotlhomogi. Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa mokgatlho wa He-Tshubago, Mme Tebagano Lekhutlane, o ne a tlhalosa fa ba tlhamile mokgatlho o ka 2013, mme a re go le pele, ba ne ba itebagantse le go thusa ka tsa diphitlho fela. A re ntswa go ne go le boima kwa tshimologong, ba ne ba seka ba ipona tsapa ba nna ba kgweretlhisa go fitlhelela ka 2015,ba itshetlela mme ba kgona go tsalwa sesha ka le leina ba ne ba le fetola go tswa kwa He-Tshubago Burial Society go bidiwa He-Tshubago Society. Mme Lekhutlane a re ba ne ba fetola le ditirelo tsa mokgatlho ka jaana jaanonong ba ne ba itebanganya le diemo tsotlhe tsa botshelo di akaretsa dibetso tsa tlholego, tlhokomelo ya ba-na-le bogole le matlhoki a mangwe. A re maikaelelo magolo ke go thusa puso morwalo wa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong, a tlhalosa fa ba tlaa abela batswa-setlhabelo dikgetsi di le lesome le bone tsa semente mongwe le mongwe, go ka ya go simolola go bopela mesasana. E ne ya re go le pele, mo mafokong a gagwe a thero, Moruti Mabego Lesedi a rotloetsa maloko go nna pelotelele mo mekgatlhong go emelelana le dikgwetlho go na le go itlhaganelela go le botsa phokoje. A re go le gantsi mekgatlho e tlolelwa diphate ke beng ba yone, ka jalo a ba rotloetsa go tshwaragana le go nna le lorato e bile ba le boikanyego go ka fitlhelela ditoro tsa mokgatlho. Fa ba tswa la bone, batswa-setlhabelo e bong Rre Mokota Moumakwa le Mme Keolebogile Motsaatlhobolo ba ne ba leboga ba mokgatlho oo go bo ba ba tshologile mokgosi morago ga go welwa ke seru. Ba ne ba solofetsa fa ba tlaa tswelela ba direla mokgatlho oo, gore le bone ba tle ba bone bangwe ka bone ba thusiwa fa ba wetswe ke seru. Fa a afa malebo, mokhanselara wa Lehututu/Maake, Mme Judith Matebu o ne a iteela mokgatlho oo legofi go bo o santse o tshwere ka thata mo go diragatseng maitlamo a one a go netefatsa gore o tlhabolola matshelo a batho ba bangwe. O ne a bua a sa kgale mathe ka mokgwa o o atileng mo malokong, a re bangwe ba a thusiwa, mme e re morago ba ikgogele morago. A re seo, ga se kake sa aga mokgatlho ka jaana leloko lengwe le lengwe le na le tshwanelo ya go akola dithuso. society 9 Balwetsi ba tlhoka go fiwa lorato Mooki yo o lebaganyeng le lenaneo la tlhokomelo ya balwetse kwa malwapeng, Mme Kegomoditswe Ramotswetla a re balwetse ba tlhoka go fiwa lorato, tsholofelo le kamogelo. Mme Ramotswetla o buile jalo kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke badiri ba kokelwana ya Mokubilo le baithaopi ba ba tlhokomelelang balwetse kwa malwapeng o o neng o tshwerwe kwa motseng oo ka Labone. A re go le gantsi fa motho a lwala mme a sena tlhokomelo e e lolameng le kgothatso o latlhegelwa ke tshepho ya botshelo, ka jalo a re lorato, tumelo, tlhokomelo le go kgathala ke motheo wa go oka molwetse. Mme Ramotswetla a re fa dilo tse di le teng molwetse o ikutlwa a itekanetse mo tlhaloganyong le mo moweng a na le tumelo le botsalano mme a tshele ka boitumelo le fa go sena kalafi. O ne a tlhalosa gore maikaelelo a letsatsi le e ne le go tlhola le balwetse ba leka go busetsa tsholofelo mo go bone gore ba lese go akanya gore botshelo bo fedile, le go ba bontsha gore batho ba kgathala ka bone. Mme Ramotswetla o ne a tlhalosa gore go oka ga se selo se se motlhofo ka gore mooki o nna fela a tlhokometse molwetse a sa kgone go dira ditiro tsa gagwe ke ka moo go nang le lenaneo le la baithaopi ba ba tlhokomelang balwetse kwa malwapeng ba ba thusa mo diemong tse di farologanyeng. O ne a rotloetsa balwetse go sala morago ditaelo tsa ba bongaka ba tsaya melemo ka nako le sebaka se se beilweng, a tlatsa ka go re fa go na le sengwe se ba bongaka ba batlang go se dira le fa se le bokete ba reetse mabaka. Moruti wa Kereke ya Calvary Prevailing Assembly, Bisho Charles Mahube a re bone ba rapelela balwetse fela ga ba ba tlogedise melemo. Bishop Mahube o ne a rotloetsa balwetse gore ba ikanye Modimo ka gore ke ene a fodisang. Moruti Thomas Maphane o ne a supa gore ba tsile go tsosolosa balwetse mo moweng ka gore fa mowa o sa iketla mmele le one o a koafala. Rre Maphane a re balwetse ga ba a tshwanela go kgethololwa ka gore ga ba a dira molato ope go bo ba lwala. O ne a ba kgothatsa gore ba ikgaphe mo go diriseng melemo ya setso ba ye dikokelong, gape ba tsee dikgakolo tsa botsogo tsia. Mongwe wa balwetse Rre Opasitse Rebagago o ne a leboga bogogi jwa motse, baithaopi ba ba tlhokomelelang balwetse kwa malwapeng le ba botsogo a re ba botlhokwa. Rre Rebagago a re o kgonne go nna botoka ka ntlha ya go sala morago ditaelo tsa ba bongaka le tlhokomelo ya baithaopi. O ne a rotloetsa balwetse ba bangwe gore ba seka ba tlhakanya dipilisi le ditagi, a tlatsa ka go re dipilisi ke botshelo ba seka ba tshameka ka tsone ba emisa go di tsaya. BOKHUTLO health 6 Baithuti ba inaakantse le motokwane Mothusa kgosikgolo ya Batlokwa Kgosi Gaborone o boletse seo mo potsolotsong bosheng, a tlhalosa fa baithuti ba ba amegang, ba tswa mo lwapeng ba re ba ya sekoleng ntswa ba sa ye teng ba ya go thibelela kwa dimausung. Kgosi o tlhalositse fa go amega baithuti ba dingwaga tse di fagare ga lesome le bongwe le lesome le bofera bobedi. O tsweletse a tlhalosa fa batsadi ba itlhokomolosa bana ba bone e bile ba seke ba tlhomamisa gore ka boammaaruri bana ba ile sekoleng. Kgosi o boletse fa baithuti bao ba rekisetswa motokwane ke banana ba dingwaga tse di lesome le borobabobedi go ya kwa godim2o, a supa fa go setse go kgalemilwe bana ba le bantsi fa pele ga batsadi ba bone le mmaboipelego wa kgaolo. O tlhalositse fa bana bao ba ka se tlhatlhelwe ka ba le dingwaga tse di kwa tlase ka jalo gole botlhokwa gore ba kgalemelwe ka thupa, a tlatsa ka gore batsadi ba tshwanetse go tlhokomela bana ba bone go tila go atlholwa. Baithuti ba le lesome le boraro ba ne ba otlhaiwa ka thupa, fa maina a barekisi ba motokwane a le matlhano a ne a neelwa ba sepodisi. Kgosi o boletse fa ba dirile tumalano le batsadi ba bana bao go nna baya go lekola gore a bana ba bone ba ya sekoleng ka nako gammogo le gone go tsenelela dithuto tsotlhe. A re ka Laboraro mongwe le mongwe go tla a nna le pego e e dirilweng e tla mo kgosing go bona gore a baithuti bao ba ile sekoleng sentle. O tsweletse a tlhalosa fa ba kopile ba sepodise go sekaseka le go baya leitlho dimausu tsotlhe tse di rekisetsang fa pele ga dikole le mabenkele ka gonne ke one a a bakang mathata. A re motokwane o tsenngwa mo lebokosong la mmechisi mme o rekisiwe P10. Kgosi o boletse fa baithuti bao gape ba goga glue e ba e phuthelang ka polaseteke mme a re seo ga se a siamela botsogo jwa bone ka go dira gore ba tswe mo tseleng e bile ba seka ba tsena sekole. Mo go tse dingwe, Kgosi Michael Gaborone o tlhalositse fa diletso go tswa kwa marekisetsong a bojalwa di baka modumo o o feteletseng mo motseng, ka jalo ba itshwaragantse le ba Bye Law go ela seemo seo tlhoko. O tlhalositse fa nnotagi e tshwenya, mme a re ba kopile ba sepodise go leba seemo le go laola modumo mo motseng, a re go itlosa bodutu go a letlelesega mme ka tsela e e siameng go sa iphitisiwe dino. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Khamphani e abela sekole madi Khamphani ya 2M Joint Venture e abetse sekole se sebotlana sa Madikwe kwa Bobonong P15 000 go dirisiwa mo moletlong wa go leboga barutabana ba ba dirang sentle. Mogolwane wa khamphani e, Rre Kenny Ramatsela o boleletse BOPA mo puisanyong fa maitlamo a bone e le go araba mokgosi wa ga Tautona wa gore dikhamphani le batho ka bongwe ka bongwe ba thuse puso go tlhabolola le go tsamaisa dikole ka madi gore thuto ya lefatshe leno e tokafale. Rre Ramatsela a re khamphani ya bone e ne ya itlama go dira se morago ga gore mogokgo wa Madikwe a kope dithuso tsa go dira moletlo. O boletse fa khamphani ya bone e ne ya thusa Madikwe ka bofefo ka ba tlhaloganya botlhokwa jwa go tlhabolola thuto go tswa kwa moding. A re lenaneo la go thusa dikole le teng mo ditirong tsa khamphani ya bone e bile ba setse ba kile ba abela sekole se sebotlana sa Matlapana kwa Maun ntlo ya dibalamakgolo e e lopileng P500 000. Rre Ramatsela a re khamphani ya bone e dira ditiro tse e di neelwang ke puso, ke ka moo ba bonang go le maleba gore ba nne le seabe mo go thuseng puso go tlhabolola matshelo a batho. A re khamphani ya bone e tlhola e dira ditiro tsa go abela setshaba gongwe le gongwe kwa e direlang teng. O boletse fa khamphani ya bone e tlaa tswelela e thusa puso go tlhabolola matshelo a batho ga mmogo le go nna le seabe mo go tlhabololeng thuto ya lefatshe leno. Mogokgo Kelapile Patiko ene o tlhalositse fa go le botlhokwa gore dikhamphani di nne le seabe mo go thuseng puso go tlhabolola thuto. A re go ka nna molemo fa puso e ka dira lenaneo le e lebogang dikhamphani tse di agang di nna le seabe mo go tlhabololeng matshelo a batho ga mmogo le go thusa puso go tlhabolola thuto. O boletse fa go dira jaana e le mowa o montle, fa dikhamphani tse di dirang madi ka go neelwa ditiro ke puso di nna le seabe mo go tlhabololeng lefatshe. Rre Patiko a re sekole sa gagwe se na le lenaneo la go dirisa madi a se thusiwang ke dikhamphani sentle. A re dipego tsotlhe tsa go dirisiwa ga madi a, di a dirwa go kgotsofatsa dikhamphani gore di bone fa madi a bone a dirisiwa sentle mo ditirong tse di lebaneng. Mogokgo o rotloeditse badiri ba sekole sa gagwe go dira ka natla ka dinako tsotlhe gore ba ntshe maduo a a kgatlhang a a ka okang dikhamphani gore di ikgolaganye le bone. BOKHUTLO education 4 Thuto ya bananyana e tlaa patelediwa Lephata la thuto go tswa moding le tshwere ka natla go netefatsa gore dikole tsotlhe tse dipotlana di simolodisa dithuto tsa bana ba ba yang go simolola lokwalo lwa ntlha morago ga ditekeletso tse di dirilweng mo dikoleng dingwe ka 2014. Fa a bua kwa tshimolodisong ya Education and Training Sector Strategy Plan kwa bokopanong jwa malatsi a mabedi kwa Palapye, mogokaganyi wa lenaneo, Dr Moses Mengwe a re lenaneo le tlaa pateletsa gore ngwaga yo o tlang dikole tsotlhe tse di potlana di nne le mophato o le mongwe wa bananyana ba ba tlaa bong ba ya go simolola lokwalo lwa ntlha. A re se ke maiteko a go tokafatsa seemo sa thuto, ka jalo go le botlhokwa go epa mosele wa pula go sale gale. Dr Mengwe a re lenaneo le gape le tlaa tlhofofatsa gore botlhe ba kgone go le akola le go ithutela mo maemong a a siametseng dithuto. A re ntswa se se ka tswa se utlwala se le sesha mo ditsebeng tsa bontsi, nnete ke gore thulaganyo e e tswa kgakala e dirisiwa mo dikoleng tse dipotlana ka baithuti ba ne ba simolola ka Sub A mme ba fetele kwa go Sub B pele ga ba simolola lokwalo lwa ntlha. Dr Mengwe o tlhalositse fa lenaneo la ditogamaano la lephata le ikemiseditse go simolodisa methale e mesha le ditsela tse dingwe tsa thuto tsa go baakanya seemo sa go sa nyalana ga dithuto tse di fiwang kwa dikoleng le dikitso tse di tlhokafalang. Dr Mengwe a re lenaneo le gape le tlaa fa baithuti sebaka sa go tlhatlhojwa mo dithutong tsa konokono di le tlhano fela go na le tse di robang bobedi tse ba di tlhatlhobelwang mo nakong ya gompieno. Maikaelelo ke gore ka ngwaga wa 2020 lenaneo le bo le le mo tirisong ka botlalo mo dikoleng tsotlhe tsa puso. Se, Dr Mengwe a re se tlaa dira gore bogogi jwa dikole bo kgone go itemogela bokgoni jwa baithuti fela fa di tloga, ka jalo ba kgone go ba kgaoganya go ya ka tlhaloganyo tsa bone. A re go simolodisa le go diragatsa lenaneo le ngwaga o o tlang go tsile go fetola tsamaiso ya thuto. Fa a ama dikole tse dikgolwane, a re diphetogo tse di tlaa nnang teng di tsile go ama dikole di le masome mararo le bone mme a tlhalosa fa go tlhokana le go reka didirisiwa le go seega madi pele go ka diragadiwa diphetogo. Dr Mengwe a re go simolodisiwa ga methale e e farologanyeng kwa dikoleng go tshwanetse ga itebaganya le ditsetlana tse tharo ebong boranyane, kitso le thuto. O rile lenaneo le tlaa lekelediwa mo dikoleng tse dikgolwane di le tharo fa sa Moeng se tlaa itebaganya le tsa Temo-thuo, Letlhakane e inaakanye le tsa kepo ya didiba le tlhokomelo ya tsone fa Maun e tlaa remelela mo go tsa bojanala. Fa madi a ka nna teng, Dr Mengwe a re go na le kgonagalo ya gore ditekeletso di dirwe mo dikoleng tse some. Ditekeletso tse gore di simolodisiwe, Dr Mengwe a re go tlhokana le dikago le go atolosiwa ga dikole. Fa a tswa la gagwe, motshwarela mogolwane wa tsa madi, Mme Nametso Malaka go tswa lephateng la thuto go tswa moding o boleletse ba-tsaya karolo mo bokopanong joo ka ipaakanyetso kgaoganyo ya madi a a dirisiwang mo tsamaisong ya tsatsi le letsatsi, peo-leitlho le dipego. Mme Malaka o amile gape ntlha ya kgobokanyo ya lekgetho le gore se se raya eng mo letloleng la puso. O ne a tlhalosa ka go kgobokanngwa ga madi a tlatsa ka go re dikole di dira madi ka dituelo tsa baithuti le go rekisa tsa temo-thuo ntswa di lebanwe ke kgwetlho e tona ya go tlhoka go duela sekole ga baithuti. Ba ba neng ba le mo bokopanong ba ne ba kopa gore go nne le dithuto tse di fiwang ba e leng gone ba thapiwang gore ba kgone go itse ka dintlha tsa botlhokwatlhokwa di tshwana le kgaoganyo ya madi le theko. Bokopano jo bo ne bo rulaganyeditswe dikgaolo tsotlhe le lephata la thuto maikaelelo e le go tsibosa bodiredi ka diphetogo tse di tlaa amang lephata. education 4 Mothusa tona o galaletsa maiteko Mothusa tona mo lephateng la Tlhabololo Temo-Thuo le Tshireletsego ya Dijo, Mme Beauty Manake, a re maiteko a Batswana bangwe a go thusa lefatshe go ntsha dijo ka mananeo a temo-thuo a a nametsa e bile a tiisa puso moko. Mothusa tona o itemogetse seo mo loetong lwa go lekola ditiro tsa temo-thuo tsa bagwebi ba ba fatlhogang ba thuo ya dikolobe, temo ya merogo le kwa go dirwang jeme go dirisiwa marotse, morula le tamati kwa Molepolole, Gamodubu le Metsimotlhabe bosheng. “Maiteko a barui bangwe ba ke lekotseng ditiro tsa bone tsa temo-thuo a mpha tsholofelo ya gore lefatshe la Botswana le nonofile go ka thusa go tsosolosa mhama wa temo-thuo fa batho ba na le tse di maleba di akaretsa lefatshe la kgwebo le one madi a go godisa le go tsamaisa kgwebo,” ga tlhalosa Mme Manake. O gwetlhile bodiredi jwa lephata la gagwe gore ba ba nang le maikaelelo le bokgoni jwa go thusa go tlhabolola temo-thuo ba engwe nokeng ka bogakolodi le tse di maleba go ka thusa go nonotsha le go tlhabololola dikgwebo tsa bone. “Ga ke na pelaelo gore le na le maitemogelo a tse lo di dirang, mme se se botlhokwa ke gore lo tswele kwa ntle le gole gore setshaba se lo itse go ka reka dithoto tsa lona,” a gakolola. A re maikaelelo a loeto lwa gagwe e ne e le go bona maiteko a Batswana ba ba mo thulagnyong ya go gweba ka temo-thuo, le go nna le boitemogelo ka diphitlhelelo tsa bone le tse di kgoreletsang maiteko a bone a go gola, go thusa go direla lefatshe leno dijo. Monana wa temo ya khabetshe Mme Happy Amon o tlhalositse fa a simolotse ka maikaelelo a go lema go thusa makgotla a bobelotlhomogi go sena tsholofelo ya go gweba ka a ne a nyatsa le lone lefatshe la ekere le a neng a kgonne go le bona. A re jaanong o fetotse lewa ka go lemoga fa a na le bokgoni jwa go gola mo go se a se dirang e bile e le sa boleng Mme Gladys Tsimako, morui wa dikolobe kwa Gamodubu, ene o lekodisitse tona ka kgatelopele mo lenaneong la thuo ya dikolobe e e simolotseng ka 2014 ka dikolobe di le nne, tse jaanong palo ya tsone e godileng go menaganye go tshwara 38. Fela Mme Tsimako a re e re ntswa a ise a kgone go bona mmaraka wa di-tswa nameng tsa kolobe, o itumelela ka fa a tsweletseng ka teng mo maitekong a go godisa tiro eo. Kwa Molepolole Mme Jane Motlalekgosi a re o amule botsipa mo balemising go ntsha tiro ya boleng, mo e bileng dithoto tsa gagwe di kgonne go tsena mo marekisetsong le fa e se ka bontsi jo a neng a bo eletsa. O kopile khansele ya Kweneng go sekaseka boleng jwa dithoto tsa gagwe gore e nne dingwe tsa tse di ka jewang ke bana mo dikoleng. economy_business_and_finance 3 Botsogo bo tla pele Badiri ba maphata a dikitsiso le kgaso ba ba direlang kwa kgaolong ya Kweneng, ba rotloeditswe go tlhaloganya fa botsogo jwa mmereki bo tla pele ga tiro, mme ka jalo ba tshwanetse go ipha nako ya go itlhatlhobela malwetse a a farologaneng le go itshidila mebele. Thotloetso e, e ntshitswe ke molomaganyi wa ditirelo tsa dikgang tsa HIV/AIDS kwa ofising ya ga Tautona, Mme Olebeng Kgabo kwa letsatsing la boitekanelo le le neng le rulaganyeditswe badiri bao ke ba ofisi ya ga Tautona mme le tshwaretswe kwa Molepolole . Mme Kgabo o kaile fa letsatsi leo le ne le tshwerwe ka maikaelelo a go tsibosa badiri bao ka dikgang tsa HIV/AIDS, le go rotloetsa tshwaragano magareng ga badiri ba ba direlang kwa ofising kgolo kwa Gaborone le ba ba mo dikgaolong. A re badirelapuso ba tshwanetse go tlhaloganya fa go le botlhokwa go ya mo ditirong ba itekanetse mo mebeleng le mo tlhaloganyong gore ba ntshe maduo a mantle. Mongwe wa bagolwane ba ofisi ya ga Tautona, Mme Tlhabologo Chephete, o tlhaloseditse batsena tiro eo fa botsogo jwa bone bo le mo diatleng tsa bone, mme a ba kopa go tsaya boikarabelo jwa go netefatsa gore botsogo jwa bone bo babalesegile ka dinako tsotlhe. A re fa mmele o sa itekanela, motho o kgona go laolwa ke maikutlo a gagwe mme a palelwe ke go dirisana le ba bangwe sentle, mme ka jalo o ne a ba rotloetsa go itshidila go lapolosa tlhaloganyo le gone go tila go tsenwa ke malwetse a a ka kgonwang go thibelwa a tshwana madi a matona. O ne a kopa bodiredi jwa puso go bereka ba lomaganye, a supa fa tirisano le go kgathala ka ba bangwe go le botlhokwa thata mo tirong. O ba kopile go emana nokeng mo diemong tse di thata go ntsha maduo a a tlhokegang ka dinako tsotlhe. Bokhutlo health 6 Morafe wa Toteng o lebogela puso ya batho ka batho Morafe wa Toteng kwa kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima ba lebogetse puso ya batho ka batho e e renang mo lefatsheng leno. Fa a lekodisa mopalamente wa kgaolo eo, Rre Biggie Butale ka ditlhabololo tsa motse, modulasetilo wa komiti ya Toteng, Rre Ngwebula Ngwebula o ne a supa fa ba itumelela ka fa botautona ba lefatshe leno ba tsweletseng ka go neelena marapo ka teng go sena dikgogakgogano, a re seo ke sekao sa puso ya batho ka batho. Rre Ngwebula a re e le banni ba Toteng, le bone ba rolela hutshe batabogi ba lefatshe leno ba ba sa tswang go tsholeletsa folaga ya lefatshe leno kwa godimo kwa dikgaisanyong tsa mabelo tsa Mafatshe a Selekane. E ntse e le ka lone letsatsi leo, mopalamente o ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Matenge le Botalaote, kwa banni ba metse eo ka boraro ba neng ba lebogela mananeo a puso a a tsweletseng ka go ba tshegetsa. Ba re mananeo a tshwana la Ipelegeng le la go abela dikgaolo madi a ditlhabololo, a thusa go tukisa melelo mo malwapeng le go tlhabolola metse. Le fa go ntse jalo, mo letlhakoreng le lengwe banni ba Matenge, Toteng le Botalaote ba ne ba ikuela tebang le dingwe tse di santseng di saletse kwa morago mo metseng ya bone, tse di akaretsang boroko jwa badirela puso, matlo a boroko kwa sekoleng sa Pelaelo JSS kwa Makaleng, bonya jwa go goroga ga mananeo a nyeletso lehuma, tlhaelo ya dipilisi mo dikokelong, phatlalatso ya metsi le matlakase mo metseng gareng ga tse dingwe. Kwa Matenge banni bangwe ba ne ba supa badirela puso ka monwana, ba re ga ba ke ba etela motse wa bone go ba tlhatlhelela ka ditirelo, ba re ba ba bona fela ka nako e mopalamente a tlang mme mokgwa oo, o busetsa ditlhabololo kwa morago. Ba re fa badirelapuso ba tsile jaana, ba ba solofetsa ditlhabololo mme phelelong ba tsene ka lenga la seloko. Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Matenge, Mme Letsogile Mbangiwa o ne a kopa gore ba thusiwe ka setlhopha sa tonto tshipidi gore ba kgone go bula bananyana matlho pele ba ya go simolola lekwalo la ntlha. Modiri mongwe yo o direlanag mo kgotleng ya Matenge, Mme Lesego Matembe o ne a ngongorega ka letlhoko la diofisi tsa kgotla gammogo le go tlhoka mophepafatsi. A re seemo se se ba pateletsa go pataganela ofisi le mokwaledi le gone go iphepafaletsa diofisi tota. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Botalaote, Mme Thapelo Madziba o ne a kopa gore go dirwe ditotoma mo tseleng ya Sebina/Masunga go lebagana le sekole se sebotlana sa motse, go sireletsa bana mo dikoloing, tse a boletseng di taboga ka lebelo le le kwa godimo. Banni bangwe ba ne ba ikuela ka borukutlhi mo motseng, ba supa fa mapodisi a le maoto a tshupa go tsiboga fa ba begelwa. Le fa go ntse jalo, Sergeant Ditshebo Motswedi wa kampa ya sepodisi ya Masunga o ne a kgalemela banni kgatlhanong le go bipa mpa ka mabele, a re fa ba ka emisa mokgwa oo, ntwa kgatlhanong le borukutlhi e ka fenngwa. Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, yo e leng mothusa tona wa lephata la botsogo le boitekanelo, Rre Biggie Butale o ne a tshepisa banni fa ba tlaa leka ka bojotlhe go tokafatsa ditirelo tsa botsogo, bogolo jang go itebagantswe le tlhaelo ya dipilisi le boroko jwa bodiredi. Rre Butale o ne a ba itsese gape fa mo kabong ya madi ya monongwaga, tona wa madi le ditogamaano a seegetse P19 billion kwa thoko go dirisiwa mo ditlhabololong. A re fela ba tshwanetse ba itse fa ditlhabololo di ka seke tsa dirwa tsotlhe ka nako e le nngwe. O ne a tlhatlhelela banni ba kgaolo ya gagwe ka melawana mengwe e e sa tswang go fetisiwa kwa palamenteng, a bo gape a ba gwetlha go tla ba netefatsa gore ba ikwadisetsa ditlhopho tsa setshaba, mo ikwadisong e e tlaa simologang ka Lwetse go fitlhelela Ngwanatsele a le lesome le motso monongwaga. BOKHUTLO politics 7 Ba re mabitla a dirwe ditsha tsa bonno Banni ba Kasane ba kopile gore mabitla a a mo teng ga motse a gopiwe, a bo a fiwa baikopedi go nna ditsha tsa bonno. Ba buile se kwa phuthegong ya lekgotla la kabo ditsha go sekaseka molao kakanyetso wa kgaolo ya Chobe. Mothusa modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha mo kgaolong ya Chobe, Rre Johane Chenjekwa, o tlhalositse gore maikaelelo a bone ke gore banni ba tle ka megopolo ya go dira molao o o tsamaisang kgaolo ya bone. O ne a supa gore ba ne ba tla ka molao kakanyetso wa gore fa motho a filwe setsha a bo a palelwa ke go se tlhabolola, o ka se busetsa kwa go bone mme morago a nna le sebaka sa go ikopela se sengwe. Rre Chenjekwa o ne a supa fa kgaolo ya bone e na le tlhaelo ya lefatshe, ka go bo bontsi jwa lone e le la bojanala mme se se baka letlhoko la bonno. Banni ba ne ba kopa ba kabo ditsha gore ba ba rekisang ditsha ba se ka ba fiwa sebaka sa go neelwa se sengwe.Ba kgadile thata ba bo ba kopa gore go emisiwe mokgwa wa Batswana wa go rekisetsa batswakwa ditsha. Morafe o ne wa kopa gore batswakwa ba seka ba fiwa ditsha mme ba ka fiwa sebaka sa go tla go dira dikgwebo ba tshwaragane le Batswana. ENDS society 9 Batsadi ba patelesega go tlhokomela ngwana Mogokaganyi wa twantsho-borukutlhi wa sepodisi sa Sejelo mo Kanye, Sub-Inspector Gakologelwang Mosepele a re ba itemogetse dipalo tse dintsi tsa batho ba ba ikgatholosang tlhokomelo ya bana. Sub-Inspector Mosepele o tlhalositse jaana mo thuto-puisanyong ya batsadi le barutabana e e neng e rulagantswe ke komiti ya batsadi le barutabana bosheng kwa sekoleng se sebotlana sa Maisantwa mo Kanye. O tlhalosa gore motsadi wa ngwana o tshwanetse go itse gore ngwana o a ja, o a apara le tse dingwe tse di tlhokafalang mo tlhokomelong ya ngwana, a tlatsa ka go re go sa tseye tsia ngwana, motsadi o ka tlhatlhelwa mo kgolegelong kana a lopiwa P5 000 kgotsa madi a a sa feteng P20 000. O tladitse ka go re ngwana o na le tshwanelo ya tlhokomelo ya batsadi ka bobedi. Mme Mosepele o kopile batsadi go reka dibuka tse di buang ka ditshwanelo tsa bana ka di ka ba fa kitso ya gore ngwana o tshwanetse go godisiwa jang. Fa a itebaganya le thuto, o tlhalositse gore ngwana o na le tshwanelo ya go ya sekoleng a itekanetse sentle. A re batsadi ba bangwe ba dirisa bana botlhaswa mme ba ye sekoleng ba kotlometse megopolo. O tsweletse a re ba bangwe ba a bo ba gabile go ja, mme ba didimale fela ba bona gore ngwana o mo kgokgontshong. Le fa go ntse jalo, Mme Mosepele o tlhalositse gore fa motho a bona borukutlhi jwa mofuta ofe fela bo diragala, go longwe mapodisi tsebe, a tlatsa ka go re fa motho a lemoga a bo a aswa senku fela o a bo a dira molato. Fa a tswa la gagwe, mmaboipelego wa kgaolo ya Marapalalo, Mme Wame Mmapa a re batsadi ba tshwanetse go diragatsa ditshwanelo tsa bana ka fa go tshwanetseng ka teng. O file sekai ka bonno, botsogo jo bontle, le gore batsadi ba ise bana dikokelong e seng go ba tsamaisa ba le nosi ka ba sale ka fa tlase ka dingwaga. Mme Mmapa o gakolotse batsadi go bontsha ngwana molato a sa mo gobatse. “Fa go sa tsene mo itee mo go letlelesegang go mmusetsa mo tseleng gore a itse gore thupa e teng mo lapeng,” ga tlatsa Mme Mmapa. Mme Mmapa ogakolotse le gore batsadi ba direle bana matsalo, a gatelela ka gore ebile a dirwa gone foo ngwana a sena go belegwa. Le fa go ntse jalo, modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Lephatsimile Kwape o tlhalositse gore ba rulagantse phuthego e, ba tshwentswe ke dilo di tshwana le go tla thari ga bana, tiriso botlhaswa ya ditagi, leswe la bana le go tlhoka go tshwaragana ga batsadi le barutabana. Fa a akgwa Rre Kwape dikgaba, mogolwane wa lephata mo boemong jwa mogokgo wa sekole, Mme Boipelo Selelo o rurifaditse gore ke nnete bana ba bangwe ba tla sekoleng ba le leswe. A re o ipotsa gore fa ngwana a ya sekoleng motsadi o a bo a le kae. Mme Selelo a re o gakgamadiwa ke gore fa motsadi a bidiwa kwa sekoleng fa a bapisiwa le ngwana o ka ganela gore ngwana yoo ke wa gagwe, motsadi a phatsima. O gakolotse batsadi go apesa bana paka ya sekole e e siameng, go ba fa sefitlholo phakela gammogo le go ba ntshetsa madi a ditlhabololo tsa sekole. O ne a gakolola batsadi go emisa go buelela bana fa ba bileditswe maitsholo a bone, a tlatsa ka go re ngwana o kgona go nna maitseo kwa lapeng mme mo sekoleng e nne motho o sele. Mme Selelo a re motsadi fa a na le matshwanyego ka fa morutabana a tsayang ngwana ka teng a seka a tlhamalalela kwa ntlung ya borutelo. O tlhalositse gore motsadi o tshwanetse a ya kwa ofising go ya go ikuela teng. A re go dira jalo go thusa go hema gore motsadi a ye go gogomogela maikutlo mo pele ga baithuti, mo le ene go ka mo nyenyafatsang fa pele ga ngwana wa gagwe le baithuti ka ene. Fa a ntsha mafoko a tebogo, mokhanselara wa Marapalalo, Rre Kabelo Lemme a re o leboga gore komiti ya batsadi le barutabana e bo e dirile thuto-puisano ya mofuta o. Rre Lemme a re thuto-puissanyo e, e ka re e ka seke e felele fela fa. O boile a leboga go bo botsadi bo tsile ka makatlanamane go tla go itseela ka tsebe le go akgela. O tladitse ka go re fa batsadi ba ka tshwara fela jalo, le maduo a bana a ka kgatlhisa. Fela o kopile batsadi go ipha nako go etela sekole go lekola ka fa bana ba dirang ka teng. “A re itseng gore ga twe sengwe le sengwe se re se dirang re seka ra se tlopela, e bile a re rateng bana ba rona ka fa tlase ga kgalemo ka gore o ka tloga a go senyegela go bo go sena gore o ka mo reng.” A re fa motsadi a bona ngwana a tla thari kwa lwapeng a tsee matsapa a go ya sekoleng go tlhomamisa mo morutabaneng gore ngwana o tswa nako mang kwa sekoleng. A re se, se ka thusa motsadi go itse gore a ngwana o diega kwa sekoleng kgotsa mo tseleng. Thuto-puisanyo e, e ne e tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng: Go Godisa Moithuti wa Lobaka lono ke Selotlolo sa Katlego.” BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 JCI e rutuntsha bagwebi ba babotlana Bagwebi ba babotlana mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba gakolotswe go tlhopha dikgwebo tse di farologaneng fa ba direla mo lefelong le le lengwe go itsa gore ba tloge ba tlhoke bareki kgwebo e bo e phutlhama. Mafoko a a builwe ke mogwebi wa khamaphani ya Don View, Rre Donald Koogotsitse mo thutopuisanyong e e neng e rulagantswe ke ba Junior Chamber International (JCI) mo Tsabong bosheng. Rre Koogotsitse o kaile fa khamphani ya gagwe e itebagantse le go thusa bagwebi go tsamaisa, go bapatsa le kwadiso semmuso ya dikgwebo gore fa ba kopa ditiro ba bo ba na le tsotlhe tse di tlhokafalang. Rre Koogotsitse o ne a tlhalosetsa bagwebi ka fa ba tshwanetseng go bapatsa le go rekisa dikgwebo tsa bone ka teng go akaretsa le ka fa ba tshwanetseng go itshwara ka teng go thusa go godisa dikgwebo. O gateletse gore go botlhokwa gore motho a itlhophele dikgwebo tse a ka kgonang go di tsamaisa e bile a na le lorato mo go tsone ka e le tsone tse di ka tokafatsang botshelo le gone go tlhamela ba bangwe ditiro. A re dingwe tse di godisang dikgwebo tsa bone di akaretsa dipatlisiso tse di tseneletseng, go bala, go etela dikgwebo tse dingwe go ithuta, le gone go tsaya malebela mo go ba ba atlegileng mo kgwebong. Fa a rola maikaelelo a dithuto tseo, moeteledipele wa JCI, Rre Innocent Thukwi a re konokono ya tsone ke gore bagwebi ba buisane ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone, tshimolodiso ya dikgwebo tsa banana, go tla ka maele a go ipapatsa le gone go phadisana, go abelana dikitso, go kwatabolotsa mo go ba bangwe le go itsana e le bagwebi. Mogolwane go tswa kwa Botswana Unified Revenue Services kwa Gaborone, Rre Obakeng Khumo ene o tlhaloseditse bagwebi fa go le botlhokwa go duela lekgetho. A re lephata leo le simolodisitswe ka 2004, le neetswe boikarabelo jwa go phutha le go tlhomamisa gore badiri ba puso le dikhamphani ba duela lekgetho kgwedi le kgwedi. Rre Khumo o tlhalositse fa mmereki mongwe le mongwe wa puso a duedisiwa lekgetho la 25 per cent fa madi a kamogelo a gagwe a feta P3 000 ka kgwedi fa ba dikgwebo tse di mo Botswana bone ba lefisiwa 22 per cent. O boletse fa mogwebi a ka emelwa sebaka sa dingwaga tse tlhano fa kgwebo e sa dire sentle mme e re e sena go ipaakanya ba simolole go tsaya lekgetho la dingwaga tseo le go tswelela ba duedisa kgwedi le kgwedi. Rre Khumo o gateletse fa go le botlhokwa go duela lekgetho ka jaana puso e dirisa madi ao go dira ditlhabololo. Dithuto tseo di ne di rulagantswe ke JCI. society 9 LIMID e diragatsa ditoro tsa monana Batswana ba kgothadiwa go inaakanya le mananeo a puso e tsweletseng ka go a ntsha gore ba tokafatse matshelo a bone. Rre Ofentse Motshwana wa Mahalapye yo o dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa ke mongwe wa ba ba ikemetseng ka dinao. O ruetse kwa merakeng ya Malepe gaufi le Bonwapitse. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Motshwana a re o ne a sa dira sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la boraro mo go dirileng gore a seka a tswelela le sekole. A re maduo a a sa nametseng a ne a thatafatsa botshelo jwa gagwe. Go thatafala ga botshelo go ne ga mo ruta go rekisa kwa mapalamelong a dibase kgangkgolo e le go leka go itepatepanya le dikgwetlho tsa botshelo. “Morago ga dingwaga tse pedi ke ntse ke rekisa ka lemoga gore mo ga se tiro ya sepe e e ka nkisang gope mo botshelong ka madi a teng a felela fela mo dijong, gape kana ke ntse ke a gola ke ka se kgone go taboga fa morago ga dibase fa ke godile,”a tlhalosa. A re o ne a simolola go akanya ka mananeo a puso. Morago ga go akanya ka seo, a re o ne a tlhopha lenaneo la LIMID mme a tlatsa difomo go ikopela dithuso tsa dihutshane kwa lephateng la matlhoko a leruo mo Mahalapye. Rre Motshwana o ne a fiwa dihutshane di le lesome le boraro ka ngwaga wa 2013. O tsweletse a tlhalosa ka gore ene o tswa kgakala a rata leruo, sebe sa phiri e le go tlhoka ditsompelo tsa go ka reka leruo mme e re ka Modimo o sa latlhe ope toro ya gagwe ka lenaneo la LIMID ya atlega. A re o ne a ya sekoleng go ya go ithuta ka leruo kwa Rural Industries Innovation Centre gore a tle a kgone go tlhokomela dihutshane tsa gagwe sentle. “Ka lesego la Modimo ke ne ka fenya dithuto tseo ka bo ka fiwa setlankana,”a tlhalosa. Mo nakong ya gompieno o supa fa dihutshane tsa gagwe di atile fela thata. A re tlhokomelo e e kanakana e,e tswa mo dithutong tse a di amuleng ka nako ya ithutuntsho, a tlatsa ka gore o na le kitso e e kwa godimo ka dihutshane. O boletse gore fa dihutshane di ntsifala o rekisa tse dingwe go ka itshetsa ga mmogo le go rekela tse dingwe dijo le melemo. O kaile fa bareki ba gagwe e le ba lenaneo la nyeletso lehuma ga mmogo le ba madi a banana (YDF). E re go ntse jalo,Rre Motshwana a re o na le keletso ya go lemela leruo la gagwe dijo sebe sa phiri ke tlhaelo ya lefatshe. A re kgwetlho kgolo e ba kopanang le yone e le barui ke ya bogodu jwa leruo,mme a re o kopa mapodisi go tshwara badira molato.O tswelela a tlhalosa fa magodu a leruo a phirimisa ditoro tsa puso tsa go nyeletsa lehuma mo bathong ba lefatshe leno. A re fa dilo di ka tsamaya ka fa a eletsang ka teng o batla go godisa kgwebo ya gagwe gore a kgone go rekisetsa mabentlele a matona nama ya podi. O rotloetsa banana go tsaya temo-thuo ka tlhwaafalo ka e ka kgona go bulela banana ba bangwe diphatlha tsa mebereko. Rre Motshwana o rotloeditse banana gore ba seka ba itlhoboga mo botshelong mme ba dirise mananeo a puso go fetola matshelo a bone. economy_business_and_finance 3 Banana ba rotloediwa go ema ka dinao Banana ba Grootlagte kwa kgaolong ya Ghanzi ba rotloeditswe go tsaya kgato go tokafatsa matshelo a bone. Se se builwe ke kgosi ya motsana oo, Rre Besa Dabe mo leetong la phuthego ya kgotla e biditswe ke Tona wa Banana, Metshameko le Ngwao, Rre Shaw Kgathi bosheng. Rre Dabe a re mo motsaneng wa gagwe, banana ba boitseme go sola mosola mananeo a puso e a ntshetsang banana. O tlhaloseditse Tona Kgathi fa monana a le mongwe fela mo motsaneng oo e le ene a tsereng lenaneo le, fa botlhe e le ba ba ineetseng Ipelegeng le Nyeletso lehuma. Kgosi Dabe a re mananeo a Ipelegeng le Nyeletso lehuma ga a tshwanela go tsenelelwa ke banana ka jaana bone ba na le a bone. A re mananeo ao ke a bagolo ba ba sa direng sepe. Go ya ka kgosi Dabe, banana ba Grootlagte ba boitseme go ya go kopa ditlhaloso le thuso kwa ofising ya banana kwa Ghanzi. A re mme le fa go ntse jalo, ba ofisi ya banana ba ba etela gangwe le gape go tsisa mananeo gaufi le bone mme ga go nko e tswang lamina. E rile a kgwa kgosi dikgaba, tona Kgathi a gakolola banana gore ditalente tsa bone di ka ba tshetsa tsa ba tsa ba isa kgakala mo botshelong. O ba gakolotse a ba a ba rotloetsa go tsaya lenaneo la YDF (Youth Development Fund), le a neng a ba tlhalosetsa gore fa ba le tsere ba lopiwa go duela sephatlo sa madi a ba a tsereng fela mme a mangwe ba a newe mahala. Tona o gakolotse banana go tswa mo nnotaging le botlhakatsebe. A re dilo tse ke tsone di ba itsang go tokafatsa matshelo a bone. O ile gape a ba tlhagisa a gagamaditse phatlha gore ope fela yo o ka fitlhelwang a dirisa madi a ba thusiwang ka one mo nnotaging o tlaa gagamaletswa setoropo. A re, mo metshamekong, fa sengwe setlhopha se ka filtlhelwa se dirisa madi mo nnotaging ba tlaa kgaolwa mo dikgaisanong gotlhelele. Tona Kgathi o ne a tshwere diphuthego mo metsaneng ya Grootlgate le Qabo, a buwa le banana le go ba lekola. society 9 Botswana o lebanwe ke dikgwetlho tsa ditumelo Lefatshe leno le aparetswe ke tlhatlhakano ya ditumelo tse di farologaneng tse dingwe tsa tsone di tsileng ka mewa e e maswe ya ditumelo tsa bosaatane tse banana ba inaakantseng le tsone. E rile a bua mo go tlhomiweng ga moruti wa St Augustines Parish Rector FR Moreri Leteemane kwa Serowe ka bofelo ja beke, Moruti Metlhayotlhe Beleme yo eleng bishop wa Botswana a supa fa metlha e tsile e e tlhokang tshwaragano ya dikereke go tsena mo dithapelong go lwantsha mowa o o maswe wa ditumelo tse di timetsang batho. A re Moruti Leteemane a phuthele dinku mo sakeng la tsone, ka a kgethilwe go nna modisa yo o molemo mme a di dise, a di tlhokomele, a batle tse di timetseng , a lekole tse di lwalang a bo a di fe pholo, a tlamele tse di mo sakang ka lerato. A re tiro ya moruti ke go ruta le go phutha letsomane, eseng go itshunya nko mo ditsamaisong tsa kereke tse di sa mo lebanang jaaka tsa tsamaiso ya madi. O tsweletse a re mo kerekeng ya St Augustine go na le tsamaiso, karolo nngwe le nngwe e na le motlhokomedi wa yone go itsa tlhakatlhakano. A re bopelotshetlha ja baruti bo ba fetotse pina, segolo jang fa ba nna dinalanyana ba itirisetsa ditsa kereke ka fa ba ba tlang ka teng O kopile moruti go itlotla gore le phuthego e mo tlotle e bo e mo tlotlomatse ka tiro ya gagwe le boitshwaro jo bontle jo a bo e direlang. O ile a re ga go tlhokafale gore moruti a ipolelele phuthego kana a e gakolole ka maemo a gagwe. A re fela fa a dira ka fa tshwanelong, phuthego ke yone e tla a bolelang bonatla, nonofo, bopelotelele le boikobo jwa gagwe mo go direleng Modimong. Fa a itebaganya le phuthego Bishop Beleme o ile a supa fa a tlhaloganya sentle gore phuthego ya Serowe e santse e baba lebadi ka ditiragalo tse di neng tsa dira gore e tlhoke moruti, mme a kopa Moruti Leteemane go sa kgoboleng ntho legogo, O ile a re go nna lebaka le le leele ba sena moruti o solofela go sa ba lebatsa tsamaiso ya gore moruti o a tlhokomelwa, oa tlholwa, o fiwa dijo le lone lerato segolo jang ka a sale monana. Moruti Leteemane a re fa phuthego e sa mo eme nokeng ya mo thusa, ga a kake a kgona thomo ya Modimo, mme a supa fa a tswa kgakala a direla kereke ya gagwe ka keletso ya gore nako nngwe o tla a nna moruti, mme a lebogela sebaka se go amogela thomo le pitso ya Modimo. A re O solofeditse diphuthego tse a di okametseng gore ga ana go ba swabisa, mme a re thata le nonofo di tla a tswa kwa go yo o mo romileng kwa legodimong, a tlatsa ka gore phuthego le yone e rapele gore Modimo o e thuse. Fa a latlhela la gagwe molaodi wa kgaolo ya Legare Mme Thobo Mapitse o ne a re, ke ditshegofatso gore Moruti Leteemane a bo a tlhomiwa a neelwa boikarabelo ja tirelo Modimo segolo jang mo nakong e bodirela puso le setshaba ba tlhokang dithapelo ka ba amega letsatsi le letsatsi mo ditirong tse di ngomolang pelo tsa botlhoka tsebe ja banana, kgokgontsho le dipolaano tse di golelang pele mo lefatsheng leno. Mme Mapitse a re lefatshe leno le tlhoka dithapelo, mme ka Moruti Leteemane ele monana o solofetse gole gontsi mo go ene go aga tshaba ya lefatshe leno, a re seabe sa gagwe se ka tlisa pharologano e ntsi mo bananeng ka ba tla a mo tlhaloganya botoka. O ile a kopa baruti go rapelela lefatshe leno , segolo jang mo nakong e re e lebileng ya ditlhopho tsa setshaba gore di robalelwe ke ditlhokwa fela jaaka nako tsotlhe. O kopile batho go ikwadisa le gone go tsena diphuthego tsa dikgotla go itse gole gontsi ka mananaeo a puso ka ele gone kwa a rolwang teng. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Letlhoko la madi ke kgwetlho Mogolwane wa lephata le le tlhokomelang dikoloi tsa puso (Central Transport Organisation) go tswa kwa ofising ya Francistown, Rre Palalani Tamajasi, a re letlhoko la madi le dikoloi tse di sa bolong go dirisiwa lebaka le le leele ke mangwe a mabaka a a dirang gore dikoloi di tseye nako e telele di ile go baakanngwa. O buile mafoko a ka Labobedi Sedimonthole a tlhola malatsi a mararo fa a ne a lekodisa phuthego ya khansele ya legare ka seemo sa dikoloi tsa lephata leo le gore ke eng di tsaya nako e ntsi koo; selo se se feletsang se kgoreletsa bodiredi jwa puso go isa ditlamelo kwa setshabeng. Rre Tamajasi o tlhalositse fa kwelo tlase ya itsholelo e dira gore lephata leo le palelwe ke go reka dikoloi tse disha, mme se se felele se dira gore maphata a dirise dikoloi lebaka le le leele, mme go nne turu go di tlhokomela. O tsweletse a supa fa dikgwetlho dingwe e le letlhoko la bodiredi le tiego mo makalaneng a mangwe a a ikemetseng ka nosi mme puso e a thapile go baakanya dikoloi fa di senyegile. A re go reketla mokwatla ga baeteledipele ba maphata mangwe, ka go lebega ba palelwa kego kgalema, le gone gona le seabe ka jaana dikoloi di felela di dirisiwa botlhaswa mme di felele di senyegile ka bonako. Fa ba mo kgwa dikgaba, makhanselara ba ne ba supa fa ba sa kgotsofalele tlhaloso eba e fiwang. Mokhanselara wa Letlhakane, Rre Odirile Tawana, o ne a botsa gore lephata la CTO le dira eng go leka go fedisa tiriso botlhaswa ya dikoloi tsa puso ka gore go mo pontsheng gore gadi dirisiwe sentle. A re se se gakgamatsang ke gore le fa ele ka tsatsi lepe, ga gona ope yo a tleng a tseelwe dikgato mabapi le kgang eo. Mokhanselara wa Senete, Rre Tabona Saulo, ene o ne a na le moakang wa gore CTO e ithole ditiro dingwe ka e bile ba lela ka letlhoko la madi le bodiredi. Ba bangwe ba ne ba tlhalosa fa go lebega bodiredi jwa CTO bo sa kgone tiro ka jaana ba kgona go palelwa fela ke go baakanya bothata jo e seng jwa sepe mme se se felele se dirile gore di isiwe kwa makalaneng a a ikemetseng; mme go turele puso. Rre Tamajasi o tlhaloseditse khansele gore lephata la gagwe le mo lenaneong la go fa maphata dithata tsa go ipaakanyetsa dikoloi tsa one, tshwetso e e tserweng morago ga taelo ya ga tautona ka kgwedi ya Moranang. A re se se tla netefatsa gore maphata a tlhokomela dikoloi le gone go bona gore di dirisiwa sentle; a tlatsa ka gore ba mo lenaneong la go reka maranyane a a tlaabong a thusa go supa gore dikoloi tsa puso di tsamaya jang, le gone gore a di dirisiwa sentle. O supile gape fa ba setse ba simolotse tshwaragano le dikole tsa thuto ya diatla go ba thusa go dira dipaakanyo tse eseng tsa sepe le gone go tlhabolola seemo sa madirelo a bone go itepatepanya le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone. BOKHUTLO politics 7 Ba ga Mmabesi ba isa malebo Morafe wa Serowe o ne o tshologetse kwa kgotleng go isa mabutswapele le go lebogela Modimo dipula tse di namagadi tse di ba leretseng thobo. Modiro o, o o neng o tshwaretswe kwa kgotleng kgolo bosheng, o ne o okile banni le dikereke ka go farologana go tsisa malebo. Dingwe tse di neng di tsisitswe ke mmidi, ntshe, dinawa, manoko le magapu. Mo kamogelong ya morafe, Kgosi Mokhutshwane Sekgoma o ne a tlhalosa fa tiro e e le e e faphegileng, bogolo jang ka se se supa gore ba kgathalela Modimo. Kgosi Sekgoma o ne a rotloetsa morafe wa ga Mmangwato gore o tshwaragane. Mo go la gagwe, molomaganyi wa tiro e, Mme Julia Bothasitse o ne a re tiro e ke go rurifatso moono o ba duleng ka one ka 2014, wa go itemoga le go latedisa ngwao. A re ba ne ba isa kgang e kwa go Kgosi Sediegeng Kgamane mme a amogela mogopolo wa bone ka tsoo-pedi. “Keletso ya rona ke gore re tshwane le merafe e mengwe, re nne le letsatsi la rona la ngwao jaaka ba Molepolole ba na le Dithubaruba. Re sa ntse re tlaa kopana le ba bogosi ka kgang e, gore re nne le leina le le lebanyeng,” mme Bothasite a tlhalosa. A re ke ka moo ba neng ba bona go tshwanela go rulaganya letsatsi la go tsisa mabutswapele. A re mabutswapele a, a a tsisitsweng a ya kwa ga Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama jaaka Kgosi Kgamane a laotse. Mma Bothasitse a re ntswa tiro e tsamaile sentle, ga ba a itumelela dipalo, bogolo jang tsa dikereke. A re keletso ke gore ba ipaakanyetse letsatsi la thobo le le tlang ka Phukwi. Mmakgosi Fikile Khama o ne a neela Kgosi Serogola Seretse mogopo, mme kgosi a loma mo boemong jwa ga rraagwemogolo. Mma Bothasitse o ne a re go nna teng ga bahumagadi go botlhokwa mo tirong e, a re keletso ya bone ke gore ba rotloetsane. Moruti Sylvester Kaimana wa kereke ya Roma o ne a kgothatsa morafe go tswelela ba tshegetsa tiro e, ka e le ka fa molaong wa Modimo. A re Botswana ke lengwe la mafatshe a a tletseng kagiso ka boeteledipele jwa lefatshe leno bo boifa Modimo. Moruti Kaimana o ne a re ka ba tsisitse mabutswapele, Modimo o tlaa ba fenyetsa dikgwetlho tse di ba lebanyeng. A re ngogola banyalani ba le sekete ba ne ba kgaogana, fa ba le sekete le makgolo a mane ba le mo tseleng ya tlhalano. A re se se a tshwenya, mme e bile e le nngwe ya tse Modimo a tshwanetseng go ba thusa mo go tsone. Moruti Kaimana a re botagwa, boaka, malwetse le dikotsi tsa dikoloi di a tshwenya. Kgosi Seretse ene o ne a leboga Modimo gore jaaka ba ne ba boloditse letsema, maduo a a bonala. A re ke sone se ba lebogang Modimo ka thobo e a ba segofaditseng ka yone. A re go a itumedisa go bona gore malapa a na le se ba se jang. Baruti ka go farologana ba ne ba rapelela matlhoko a a apereng lefatshe leno, dikereke le tsone tsa natetsha letsatsi ka melodi e e farologaneng go isa malebo kwa go Ramasedi. BOKHUTLO society 9 Khamphani e abela baithuti paka World Group of Companies e abetse baithuti ba sekole sa Borotsi kwa Bobonong paka ya sekole mongwe le mongwe wa bone. Paka ya basimane e ne e akaretsa marokgwe a mabedi, dihempe tse pedi, dikipara tsa mo teng, ditlhako, dikausu gammogo le dijesi fa baithuti ba basetsana bone ba ne ba fiwa paka e e feletseng e e akaretsang mosese, sekete, dikausu, ditlhako, dikipara gammogo le dimonamone. Fa a bua kwa tirong ya go aba dimpho, mopalamente wa kgaolo ya Bobonong, Rre Shaw Kgathi, o tlhalositse fa tiro ya go abela dikole tse di lesome le bosupa tsa kgaolo ya Bobirwa e simolotse ka ngwaga wa 2014 fa World Group of Companiese e abela dikole dibolo di le makgolo a supa go dirisiwa go tlhabolola motshameko go tswa kwa tlase. Rre Kgathi, yo gape e leng tona wa itshireletso, molao le thokgamo, a re o bone go tshwanetse gore a kopele kgaolo ya Bobirwa dithuso mo dikhamphaning tse di ikemetseng ka gore kgaolo e, e lebagane le dikgwetlho di le dintsi jaaka leuba le bolwetse jwa tlhako le molomo jo bo dirang gore bontsi jwa batsadi bo tlhaele go tlamela bana ba bone. A re mpho ya paka ya sekole e tlaa thusa khansele-potlana ya Bobirwa go fokotsa ditshenyegelo ka e dirisa P7 million go tlamela bana ba batlhoki ba le 981 le masiela a le 1 604. Le fa go ntse jalo o kopile batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana ba bone a supa fa thuto e le boswa. Mpho e ya paka e ile gape ya abelwa sekole se sebotlana sa Moletemane. World Group of Companies e solofeditse fa e tlaa rekela sekole seo dipente. Ka Mosupologo kwa metseng ya Gobojango, baithuti ba feta makgolo a mane ba ne le bone ba abelwa paka fa kwa Molalatau go ne ga fiwa ba feta makgolo a marataro. Modulasetilo wa khamphani eo, o solofeditse banni ba motse oo fa World Group of Companies e tlaa ba agela kokelwana. Ka ngwaga wa 2014 baithuti ba dikole tsa Semolale le Busang kwa Tsetsebye ba ne ba fiwa paka fa ba se segolwane sa Tsetsebye ba ne ba abelwa ditlhako tsa sekole. Modulasetilo wa khansele ya kgaolo potlana ya Bobirwa, Rre Nathaniel Moribame, o lebogetse dimpho tse, a re seo se tlaa fetola matshelo a ba le bantsi mo kgaolong eo. Rre Moribame o kopile batsadi go amogela dimpho tse ka lerato a supa fa ba na le boemedi jwa tlhwatlhwa jo bo kgonang go ba kopela dimpho. education 4 Bangwaketse ba kanoka dikgafela Mothusa kgosi wa Bangwaketse Kgosi Kebapetse Telekelo o rotloeditse morafe wa Ga-Ngwaketse go tsaya dikgafela ka tlhoafalo ka go oketsa thobo e ba e tsisang kwa kgotleng gore batho ba tle ba akole ba le bantsi. E rile a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Kanye ka Laboraro, Kgosi Telekelo a kopa gape gore Bangwaketse ba tsosolose serodumo sa dikgafela ka go abelana megopolo le maele a gore tsamaiso ya dikgafela e ka tokafadiwa jang. A re ntswa a lebogela mabele a a dikileng a tsisitswe a dikgafela, o rotloetsa dikgotla tse di tsisang ka boutsana gore di itsose. Kgosi a re ntswa a akgola maiteko a bone a nako e e fetileng, go santse go na le ditsamaiso dingwe tse di tlhokang go tokafadiwa. O ne a tlhalosa fa thulaganyo ya go tsisiwa ga bojalwa jwa dikgafela e sa tsamae sentle ka jaana makgotla ka go farologana a tsisa bojalwa kwa kgotleng e tona mme morafe o phatlalale go sena yo o bo nwang. A re ka tshwanelo bojalwa fa bo lerilwe jalo bo tshwanetse go nna le ba ba bo nwelang fa kgotleng go ntse go ipelwa. E rile ba mo kgwa dikgaba, bangwe ba batho ba ba neng ba tsene phuthego ba dumalana gore tsamaiso ya dikgafela e a reketla mme ba supa ka monwana ditlhabololo di tshwana le mebereko le dikereke. Ba ne gape ba supa gore bontsi jwa batho ba latlhile ngwao ga ba sa tlhole ba lema, ka jalo le thobo e e tlang kwa kgotleng e fokotsege. “Tsamaiso ya dikgahela e senngwa ke dikereke dingwe ka gore bangwe ha go isiwa dikgahela ba re bone ga ba rwale sebe. Golo mo ke gone go dirang gore dikgahela di tle ka boutsana kwa kgotleng,” ga tlhalosa jalo Rre Moagi Lechina. Rre Mokgethi Mmolai o ne a kopa gore batho ba ise dikgafela ka makgotla a ba tlholegang kwa go one e seng a ba agileng kwa go one. A re bana fa ba ntse ba gola ba nyadisiwa ba felela ba aga kwa makgotleng a sele mme dikgotla tse ba tlholegang kwa go tsone di sale ka dipalo tse dipotlana. E rile a tswa la gagwe, Rre Dikgakgamatso Tshukudu a supa ngongora ka barui ba ba santseng ba ruela mo masimo. A re leruo le jela batho mo masimo mme thobo e ye kwa tlase, ka jalo dikgafela le tsone di nne boutsana. A re e re ntswa ba tsisa dikgang tsa mofuta oo fa pele ga makgotla, molao o tshwanetse wa gagamadiwa gore barui ba disetse kwa mafudisong. Le fa go ntse jalo, Mme Nnosang Maribeng o ne a tswa ka mogopolo wa gore go isiwe mabele fela kwa kgotleng go be go silelwa ba ba abelwang go sa apewe bojalwa. A re e le bomme ba babalelwa ke thulaganyo ya dikgafela ka jaana ke bone ba ba apayang bojalwa joo ntswa thata e sa tlhole e le teng. “Bana ba nna kwa ditoropong jaanong rona re le bagolo ke rona re babalelwang ke go ema mo molelong re apeile bojalwa. Re setse re godile ga re kgone go ema jalo mo melelong.” E ntse e le kwa phuthegong eo, Kgosi Malope II o ne a abela banni bangwe ba Ga-Ngwaketse boupi jwa mabele a a neng a lerilwe ka dikgafela tse di fetileng. O ne a lebogela ba National Food Technology Research Centre (NFTRC) go bo ba thusitse ka go sila mabele ao gore go fiwe batho e le boupi. arts_culture_entertainment_and_media 0 Leepo morekisi mogolo wa Kutlwano E re ka phokoje go tshela yo o dithetsenyana, ke monyeyo fela mo mogwebing wa bukana ya Rre Leepo, yo o dingwaga di masome a mane le botlhano, a re o simolotse go rekisa O kaile fa “Nna le Rre Leepo o tlhalositse fa a ne a bona gore motho o ka itshedisa ka go gweba ka A re kgwebo ya gagwe o e simolotse kwa maemelong a dibese a Gaborone mme nako eo Mogwebi yo a re erile go bona fa bagwebi ba O kaile fa kgwebo ya gagwe e dira sentle fela thata mo a kgonang go rekisa lebokoso la bukana ka letsatsi bogolo thata fa go na le polelo ka mongwe wa badiragatsi ba ba itsegeng mo lefatsheng leno. “Kgwebo e tsamaya sentle fela thata ka jaana ga nke ke lala ka tlala ka letsatsi lepe e bile dipoelo tse ke di bonang ke kgonne go bula kgwebo e nngwe ya go rekisa dilekere le tse dingwe.” Rre Leepo o tlhalosa fa dikgwetlho tsa gagwe e le go nna dingalo ga bareki ka go batla go reka ka tlhwatlhwa e e kwadilweng go tswa kwa ofising a kaya fa bareki ba lebala gore o itshetsa ka go gweba ka bukana e. O ne gape a kaya fa go a tle go nne thata mo botshelong jwa gagwe ka nako ya “Fa economy_business_and_finance 3 Kgosi o lela ka tshenyo ya leruo Kgosi Meshack Kaponene wa Mokobaxane, a re le mororo dipula di nele ka bokete mo kgaolong potlana ya Boteti temo e boutsana ntateng ya tlhaelo ya diterekere. Kgosi Kaponene o buile jalo bosheng mo phuthegong ya kgotla e biditswe ke mopalamente wa Boteti Borwa, Rre Lebonaamang Mokalake. A re seemo se se a tshwenya ka jaana banni bangwe ba ya go siiwa ke bokgola le ntswa ba ne ba na le maikaelelo a go lema. O tlhalositse fa sengwe se se tshwenyang thata e le boraditerekere ba ba lopang balemi gore ba ntshe madi a peeletso gore ba kgone go lemelwa. A re seemo seo se dira gore ba ba senang madi ba salele morago mo temong kana ba felele ba itlhobogile gotlhelele. Kgosi Kaponene a re balemi ba tshwenngwa gape ke barui bangwe ba ba ruetseng mo masimong mme ba le boitseme go tlhokomela leruo la bone. A re ka jalo leruo le le kailang mo masimo le sena tlhokomelo le uputsa masimo a ba ba beileng tema. Kgosi Kaponene a re o tshwentswe ke seemo se fela thata, a supa fa a kile a bitsa phuthego ya morafe go itebaganya le sone, ka gore go utlwisa botlhoko go bona bangwe ba tsweletse ka go lema mme ba tswa ba iphotlhere ngwaga le ngwaga ntateng ya leruo le le senyang mo masimong. Kgosi a re ba ne ba dumelana le morafe gore fa dikgomo di gata bolemo, mong wa tsone a atswe molemi ka madi a a kana ka lekgolo la dipula tlhogo ya kgomo, a tlatsa ka gore go jelwa masimo ke dikgomo jaanong go kgoba balemi marapo. politics 7 Makhansalara a batla megopolo e tsibogelwa Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba ba kopile maphata ka go farologana a puso le a a ikemetsetseng ka nosi ga mmogo le matona mangwe go diragatsa ditshutiso tsa bone tse ba di dirang mo diphuthegong tse di tletseng tsa khansele. E rile ba akgela mo phuthegong e tletseng ya khansele mo Masunga bosheng, makhanselara ba rile megopolo e mengwe ke e ba e ntshang ba laletsa matona a maphata go tla go ba buisa fa e mengwe e le e kopang gore go dirwe ditiro dingwe mo kgaolong mme ga go nke go diragala jaaka ba kopa. Makhanselara a re megopolo e mengwe ke e sa bolong go ntshiwa ke makhanselara dingwaga tse di mmalwa tse di fetileng mme le jaanong jaana go se nko e e tswang lemina, ka go bo maphata a itlhokomolosa go ba fa dikarabo mabapi le ditshutiso tsa bone. Ba re ba ipotsa gore madiadia a bakwa ke eng, ba tlhalosa fa megopolo e mengwe e le se sa bolong go tlogelwa ke makhanselara mangwe a pele ba mo nakong eno ba setseng ba dule mo bokhanselareng. Ba tsweletse ba kaya fa go tshwenya ka jaana ba tswa ka megopolo ba lebeletse matshwenyego le gone go diragatsa thomo ya banni ba kgaolo ya bone, gape e le tsela nngwe ya go leka go kopa thuso le gone go bona ditlhaloso dingwe go tswa mo maphateng a a lebaneng. Mokhanselara wa kgaolwana ya Siviya, Rre Bakani Badziili a re dingwe tsa ditshutiso tsa bone, tse ka tsone ba laletsang matona mangwe a a lebaneng, ba bo ba lebeletse gore jaaka e le mapolotiki jaaka bone, ba tle go ba lekodisa ka matshwenyego a bone matlho a phage a lebane. Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Tati Siding East, Rre Scotch Majama o ne a re go a swabisa gore ditshutiso dingwe tse di neng tsa ntshiwa ke bakaulengwe ba bone ba pele ka dingwaga tsa bo 2011, di bo di santse di tlhagelela mo diphuthegong tsa khansele, a re seo se busetsa tiro ya bone kwa morago. Mabapi le kgang eo, makhanselara mangwe a Bokone Botlhaba ba ne ba kopa gore ofisi ya ga modulasetilo wa khansele e dirise dithata tsa yone, go leka maiteko mangwe go netefatsa gore seemo seo se a tokafala. Mo go tse dingwe, makhanselara a ne a supa fa ba sa kgotsofalele palo ya balemisi mo kgaolong, ba re e re lentswa puso e tsweletse ka go rotloetsa Batswana go inaakanya le temo, fela tlhaelo eo ya balemisi e kgoba balemi marapo ka jaana molemisi a le mongwe a tlamega go thusa metse e le mmalwa, selo se ba tlhalositseng fa se mo thatafaletsa go thusa balemi ka fa go tshwanetseng. E re dikgang di eme jalo, e re ka jaana makhanselara a Bokone Botlhaba a ne a tshwanetse go wetsa phuthego ya bone ba sena go buisana ka megopolo e le supa, fela ba ne ba wetsa phuthego kgwedi eno ele masome a mabedi le bosupa ba sena go buisana ka megopolo e le mebedi fela le dipotso di le lesome le boferabongwe. Ditshutiso tse dingwe go ne ga seka ga buisangwa ka tsone ka jaana beng ba tsone ba ne ba seyo ka mabaka a go tshwarwa ke dingwe tsa tiro mme khansele ya dumalana gore di fetisediwe kwa phuthegong e e tlang. Le fa gontse jalo, mo ditshutisong tseo ka bobedi tse di neng di beilwe khansele pele, tsotlhe di ne tsa boelwa morago ka mabaka a gore o mongwe go ne go tlhalosiwa go sa dirwa ditlhotlhomiso sentle ka ga one, fa o mongwe o ne o setse o arabilwe le lekalana le le lebaneng. Tshutiso e nngwe e e neng ya boelwa morago ke ya ga mokhanselara Majama, e e neng e kopa lephata la ditswammung, kgotletso le metsi go tlhotlhomisa ka go phatloga ga matlo mangwe kwa motseng wa Tati Siding, mme bakwa ke ditiro dingwe tse di dirwang kwa Quarry e e gaufi le motse oo. BOPA politics 7 Tona o ba lekodisa ka molao wa ditsha Tona wa lephata la merero ya tsa mafatshe a sele, Dr Pelonomi Venson-Moitoi o tlhaloseditse banni ba kgaolo ya Motshegaletau fa Batswana jaanong ba tlaa simolola go roba mo ditsheng tsa bone tsa magae, morago ga paakanyo e e dirilweng ya molao wa ditsha tsa magae. Tona Venson-Moitoi o supile se fa a lekola morafe wa kgaolo ya Motsheletau e e akaretsang metse ya Sehunou, Motshegaletau le Mabuo kwa Mabuo bosheng. A re molao wa lefatshe jaanong o baakantswe gore Batswana ba ka kgona go dirisa ditlankana tse disha tsa bone tsa metse go adima madi a go di tlhabolola. O ne a gakolola botlhe ba ba iseng ba kwadise ditsha go dira jalo ka bofefo jo bo kgonagalang. O ne a supa fa a tshwenyegile gore go santse go na le batho ba le bantsi ba ba senang Omang, mme a tlhalosa fa palamente e e neng e tsene maloba, e fetisitse molao o o letlelelang botlhe ba senang bo Omang gore ba ka kwadisa fela go sena tsheko kgotsa kotlhao epe. Ka jalo o ne a rotloetsa botlhe ba ba senang bo Omang go ikwadisa. O ne a supa fa go na le batho ba ba thapang bana ba dingwaga tse di kwa tlase, a supa fa se e le go gataka ditshwanelo tsa bone le go ba rontsha go tsena sekole. Fa a amogela tona, Kgosi Ontiretse Godirilweng wa Mabuo, o ne a supa fa go na le bothata jo bontsi jwa tshenyego ya ditsela, e e bakilweng ke dipula tse di dikileng di na. Kgosi Godirilweng o ne a supa fa ba santse ba sena mokwaledi wa kgotla, a supa fa se se ama tiro ya gagwe thata. A re ka motse wa bone o le kwa thoko thata, ga o itsege, a supa fa gongwe e le sone se se dirang gore motse wa bone o bo o santse o saletse kwa morago ka ditlhabololo. A re le fa tona a kile a thusa ka go gokela metsi mo motseng, go santse go na le letlhoko le lentsi la metsi ka motse o setse o atologile. Kgosi o ne a supa ngongorego ka lephata la kabo ditsha, a supa fa motse o saletse kwa morang mo kabong ya ditsha. O ne a supa fa motse wa bone o kile wa bo o dira sentle ka bophepha, jalo seo se fetogile ka lebaka la letlhoko la lefelo la matlakala. BOKHUTLO politics 7 Ba rutiwa go bopa ka letsopa Rre Shakani Thani wa lephata la dikgolegelo mo Serowe, a re o lebogela komiti ya ditlhabololo tsa motse ya kgotla ya Radihemelo kwa Serowe, gore ba bo ba bone go le maleba go rutuntsha banni go bopa ka letsopa. Rre Thani o buile seo ka Mosupologo, Tlhakole a tlhola masome mabedi le botlhano fa a ne a bula semmuso dithutuntsho tsa malatsi a le lesome, di rulagantswe ke komiti ya kgotla eo. Dithuto tseo, tse di tshwaretsweng gone mo kgotleng ya Radihemelo di tseneletswe ke banni bale lesome le bobedi go tswa mo kgotleng eo. Rre Thani a re bogologolo batho ba ne ba tswa kwa mafatsheng a sele ba tla go tsaya mmu o o bopang ka ba ne ba bona Batswana ba sena tiriso ya one mme ka jalo o leboga boetedipele jwa Radihemelo gore ba bo ba na le tebelopele. O gakolotse baithuti go dira tiro ya bone ka matsetseleko eseng fela gore ba tle go itlosa bodutu kgotsa go tsamaisa nako fela. O ba gakolotse gape gore mo kgwebong ba ya go kopana le dikgwetlho mme ba seka ba itlhoboga go fitlhela ba diragatsa maikaelelo a bone. O ba tlhaloseditse gore ba tshwanetse go ipotsa gore ke eng ba tlhophilwe ba le lesome le bobedi fa gare ga bontsi jwa batho jo bo kana. A tlatsa ka gore ba tshwanetse ba ipolelela gore ga ba na go swabisa ba ba ba tlhophileng ka ba bone sengwe mo go bone. Rre Thani o ne a abela komiti makgolo a mabedi a dipula. E rile a ntsha la gagwe, modulasetilo wa komiti ya Radihemelo, Rre Topo Radisigo a tlhalosa fa maikaelelo le maitlamo a bone e le go leka go boloka dikitso tsa ngwao ka e le selo sa gale le gone go oketsa tiriso ya letsopa ka go nyalana le ga segompieno. Rre Radisigo a re setlhogo se ba remeletseng mo go sone e le ba komiti ya Radihemelo ke, ‘Seabe sa Radihemelo VDC mo maitekong a go nyeletsa lehuma’. A re ba batla go nonotsha baithuti ka kitso gore ba tle ba kgone go itlhamela ditiro le gone go fetisetsa kitso kwa go ba bangwe. Dithuto tse di rulagantswe ke komiti ya Radihemelo mme ba lephata la tsa botaki, bodiragatsi le ngwao ba ba abela P49 000. Radihemelo ke kgotla e e dirwang ke dikgotlana tse nne tsa Makolo, Motshwana, Seiswane le Phokela mo Serowe. BOKHUTLO education 4 Lekawana le ipona molato E rile bosheng lekawana la dingwaga tse di lesome le boferabongwe la ipona molato mo melatong e meraro e le e lebisitsweng fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata la Jwaneng. Tshephang Basimanyana wa kgotla yoora Mokhutshwane kwa motseng wa Samane o ne a ipona molato wa go thuba ntlo le wa go utswa. Dintlha tsa ba bosekisi di ne di supa gore e rile kgwedi ya Phukwi e le fa gare ga malatsi a le lesome le boferabobedi le masome a mabedi le borobabongwe ngwaga o o fetileng, mosekisiwa a thuba a ba a tsena mo teng ga ntlo ya ga Rre Moshaga Nkgabane wa kgotla ya Lekomane gone kwa Samane. Molato wa bobedi ke wa go utswa senkgisa monate le karata ya banka. Mo molatong wa boraro go tlhalositswe fa e rile mo go yone kgwedi ya Phukwi ngwaga o o fetileng fa gare ga malatsi a le masome a mabedi le borataro le masome a mabedi le bosupa mosekisiwa a utswa madi a a kana ka dikete di le pedi le makgolo a ferabobedi e le a ga Rre Nkgabane. Morago ga go balelwa melato e, mosekisiwa o ne a seka a diela lekgotla nako mme a supa fa a ipona molato mo makgethong otlhe ka boraro. Ba bosekisi ba ne ba kopa lekgotla go tlosolosa tsheko ka ba ne ba sa ipaakanyetsa gore mosekisiwa o tlaa ipona molato. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Beng ba diterekere ba kopiwa go lema sentle Beng ba diterekere ba kgaolo potlana ya Letlhakeng ba kopilwe go lemela balemi sentle. Fa a bua kwa phuthegong ya beng ba diterekere ka Labobedi, mogolwane wa lephata la dijwalo kwa kgaolong ya Kweneng, Mme Tiyedze Mariri, o boletse fa go le botlhokwa gore bakgweetsi ba diterekere ba leme mo go kgathisang gore balemi batle ba bone thobo e e nametsang. A re lenaneo la ISPAAD le na le seabe se setona mo go rurifatseng gore Botswana o nna le dijo tse di lekaneng mme go simolola ka go lema. Ka jalo, Mme Mariri a re go botlhokwa gore beng ba diterekere le balemi ba rurifatse gore ba dira dilo tsotlhe ka fa tsamaisong ya molao wa lenaneo leo. O ne a kopa beng ba diterekere go rurifatsa gore botlhe ba ba ba lemelang ba ikwadisitse le molemisi wa kgaolo eo mme e bile le bone ba ikwadisitse gore ba kgone go tsenngwa mo maranyaneng a dituelo bogolo jang fa e le gore ga ba ise ba ko ba tsenngwe. Mogolwane wa lephata la dijwalo a re go le gantsi ba felela ba gotlhagotlhana le beng ba diterekere ka nako ya dituelo ka dilo dingwe di abo di sa dirwa sentle. Mme Mariri a re bangwe ba lemela batho ba sa ikwadisetsa go thusiwa mme e re morago go nne le dikgang tsa dituelo, a re ka jalo molemi mongwe le mongwe o tshwanetse a ikwadise pele mme e bile yo o adimang tshimo, o e adima pele ga temo e seng morago ga go lemiwa jaaka bangwe ba dira. O ne a gatelela gore go salwe morago molao o puso e o beileng wa go bulela ikwadiso le tswalo ya one go tila dikgang tse di sa siamang. A re go lemela balemi masimo a a sa teratelwang ke karolo nngwe ya tshenyetso setshaba ka jaana seo ke go latlhela madi a puso mo motlhobodikeng. O ne a tlatsa ka gore beng ba diterekere ba seka ba kokotetsa ditema tse ba di lemileng mme ba di tsise nako le nako fa ba wetsa tiro gore ba kgone go duelwa ka nako mme e bile madi a santse a le teng. Mogolwane wa tsa dijwalo, Mme Evelyn Ramontshonyana ene o ne a tlhalosa fa bokopano joo bo ba fa sebaka sa go ithuna dinta le go leba kwa morago gore ba kgone go baakanya diphoso tse di diragetseng le gore go ya pele ba ka thusa balemi jang. A re bokopano joo gape bo ba fa sebaka sa go lekola dithuso tse beng ba ditereke le balemi. Mme Ramontshonyana o ne a tlatsa gape ka gore beng ba diterekere ba na le seabe se setona mo go thuseng go ntsha dijo mo masimong le gore balemi ba bone thobo e e nametsang. A re mo ngwageng wa 2018, ba lemile ditema di le 19 000 mme seo e le koketsego go tswa kwa go 15 000 wa ngwaga wa 2017. Mme le fa go ntse jalo, maduo a thobo ga a nametse mme seo ke poelo morago mo maitekong a puso a go thusa Batswana go itshetsa le gone go tswa mo lehumeng. Mme Ramontshonyana a re ka ngwaga wa temo wa 2018, go duetswe P20 million le ntswa thobo ya ngwaga oo, e ne e sa jese diwelang. Mongwe wa beng ba ditereke, Rre Motse Onageng, o ne a ngongorega ka gore balemisi ga ba ba etele sentle kwa masimong gore ba kgone go nna ba ba thusa ka tsotlhe tse di amang temo mme a re seo se na le seabe mo go digeng thobo ya bone. A re diji di dintsi fela thata mo masimong mme ebile ba tlhasetswe ke maeba mo kgaolong ya bone mme a baka tshenyo e ntsi. Rre Onageng o ne a supa fa beng ba diterekere ba sokola ka madi bogolo jang ka lephata la dijwalo le tsaya sebaka go ba duela mme seo se tsise letlhoko la madi. Ka jalo o ne a kopa lephata leo go nna le tsela ya go ba thusa gore ba kgone go duela babereki ba bone le go tshela leokwane go ya go lemela batho. Rre Jeffrey Tsheboyagae a re e re le ntswa go lemilwe ditema tse dintsi, bone ba a bo ba dirile tiro ya bone ya go lema, mme jaanong kgang ya tlhokomelo masimo e salela molemi yo o tshwanetseng go rurifatsa gore thobo e nna teng. A re mathata a a teng ke gore bangwe ba balemi bao, ga ba tlhokomele masimo a bone morago ga go lemelwa fa bangwe bone ba tlogela masimo ba ya go bereka go sele. Rre Tsheboyagae o ne a kopa lephata la dijwalo go nna le bokopano le balemi go ba ruta ka botlhokwa ja go tlhokomela masimo a bone gore ba ntshe thobo e e kgotsofatsang. O ne gape a kopa lephata go sekaseka go ba neela kanago ba adima 10 per cent ya madi a ba a kolotiwang gore ba kgone go tsweledisa temo mme e re morago ba duelwa go ntshiwe bontlha joo. ENDS environment 5 Dijo tsa setswana pinagare ya botsogo Banni ba Mahalapye ba gakolotswe go inaakanya le go ja dijo tsa setswana ka go lemosegile fa di na le dikotla tse di kwa godimo e bile di sena matshosetsi ape mo botsogong . E rile a bua kwa letsatsing la segopotso sa bolwetse jwa sukiri bosheng, moitseanape wa dijo wa kokelo ya Mahalapye, Mme Letlhogonono Gabanamotse a tlhalosa gore go botlhokwa gore motho a je dijo tsa moso ka e le tsone di fang maatla a go ka dira tiro ya letsatsi. A re dijo tsa moso ke konokono e bile di tshwanelwa ke go jewa ka nako. O kaile fa dijo di akaretsa mabele, dinawa, letlhodi, korong le merogo gammogo le maungo di siametse botsogo ka jalo di tshwanetse go jewa gangwe le gape. O tsweletse ka go tlhalosa fa go ja gararo ka letsatsi le go sa a ja fa gare ga dinako tsa dijo go le botlhokwa thata e bile go gogela mo botsogong jo bo itumedisang. Mme Gabanamotse a re dijo tsa setswana tse go lebegang bontsi bo di ikgatholositse mo nakong tsa segompieno ba sia le tsa sesha, ke tsone di ka thibela ba le bantsi mo diphatseng tsa malwetse a a sa laolesegeng a a bakiwang ke go sa jeng sentle. O gwetlhile morafe go nna kelelelo ka fa ba jang ka teng ka bolwetse jwa sukiri bo le borai mme bo bakiwa ke go ja mo go sa lolamang. Mme Gabanamotse o kgadile tiriso ya mafura a mantsi mo dijong gammogo le go ja dijo tse di mafura tse go le gantsi ba di jang ba itlakisa ntswa ba tsenya matshelo a bone mo diphatseng. O gakolotse gore letswai le le ntsi ga le a siamela mmele ka le sesafatsa ditshika mme se se dire gore madi a seka a kgona go feta ka thelelo mo ditshikeng. A re sukiri e ntsi e diphatsa fela thata ka e na le maatla a mantsi thata jalo maatla a mmele o sa a tlhokeng o a fetolelwa kwa mahureng seo se raya gore sukiri e borai fela jaaka mafura. O kaile gore fa bobedi jo bo sa elwe tlhoko bo ka baka mmele o motona o a kaileng fa o le borai e bile batho ba one ba tshabelelwa ke malwetse a tshwana le madi a matona. Mme Gabanamotse a re bolwetse jwa sukiri bo ka bakwa gape ke go iphitisa dino a tlhalosa fa bojalwa bo sena dikotla dipe mo mmeleng mme bo na le maatla a a kwa godimo ka jalo bo ka isa sukiri kwa godimo, jalo a gwetlha Batswana go fokotsa go iphitisa dino gonne dipatlisiso di supile fa tiriso ya nnotagi e le kwa godimo mo Batswaneng. A re gape ba ka tlhabantsha bolwetse jwa sukiri ka go ja maungo. E re le ntswa go ntse jalo, Mme Gabanamotse a re dipatlisiso tse dingwe tse di dirilweng di supile fa Batswana ba sa je maungo sentle ka ba re a a tura, ka jalo o ba gwetlhile go itemela ditlhare tsa maungo mo malwapeng gammogo le go itirela ditshingwana tsa merogo. Fa a tswa la gagwe , molwetse wa sukiri Mme Mmaiterone Sengalo a re go botlhokwa thata go tsaya ditaelo tsa ba bongaka mme e bile molwetse o tshwanetse go emela seemo sa gagwe ka dinao. Mme Sengalo a re kalafi ya bolwetse jwa sukiri e mo dijong, ka jalo o gwetlhile ba ba iphitlhelang ba le mo seemong se se tshwanang le sa gagwe go ja dijo tsa setswana gammogo le merogo le maungo. O boletse fa Batswana Batshwanetse go boela kwa mokgweng wa bone wa tlholego wa go ja merogo le maungo gammogo le go itshetsa ka temo. O tlhalositse gore bontsi jwa batho fa ba bongaka ba ba tlhalosetsa gore ba tshwanetse go ja dijo tsa mofuta ofe ba nna kgatlhanong le seo ba bolela fa dijo tsa balwetse ba sukiri di tura jalo a ba gwetlha go ikanya dijo tsa temo. A re bolwetse jwa sukiri ga bo batle kgatelelo ya maikutlo ka jalo bo tlhoka gore molwetse a itse go laola maikutlo a gagwe , a itshidile mmele la bo a reetse dikgakololo tsa ba bongaka. Mme Sengalo o kgothaditse batho go tlogela go reetsa dikgang tse di senang boammaaruri ka bolwetse jwa sukiri mo nageng mme a re ba ikanye tsa bongaka health 6 Tona o kgothatsa bana go tsaya thuto ka tlhoafalo Tona wa lephatata la peeletso, papadi le madirelo, Mme Bogolo Kenewendo o rotloeditse baithuti ba sekole se segolwane sa Motopi go tsaya thuto ka tlhoafalo. Tona Kenewendo o ntshitse kgakololo e kwa moletlong wa go rola mpho ya Botswana Stock Exchange ya motshine o o ntsifatsang dipampiri kwa Motopi bosheng. Mme Kenewendo a re thuto e tshwanetse ya emelwa ka dinao mme e seka ya busediswa morago ke letlhoko la didirisiwa. O boletse fa a tlaa tswelela a kopela sekole sa Motopi dithuso mo go tsotlhe tse ba di tlhokang ka jaana se na le letlhoko le le tona. A re sekole sa Motopi se tsaya bana ba metse e le metlhano e e akaretsang Moreomaoto, Khumaga, Phuduhudu, Mababe, Khwee mme se se bake letlhoko le kwa matlong a boroko jwa bana. Tona o lebogile Botswana Stock Exchange go bo e rile a itela mo go bone ka letlhoko la sekole sa Motopi ba mo reetsa. Mme Kenewendo o lebogetse gape le barutabana tiro e ntle e ba e dirang le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho. O rotloeditse bana go itekodisa mogokgo gore ba eletsa go dirwa jang kana ba tlhaela fa kae a bo a ba lebogela maduo a mogokgo a tlhalositseng fa a tokafetse. A re mogokgo o supile gape fa ba dira sentle mo dithutong e bile ba fenya dikgaisano tsa thuto ka go farologana. Tona o ne a gwetlha ba-na-le seabe go thusa puso ka e tlhaelelwa ke madi, a kopa batsadi go boela mokgwa wa bogologolo wa boipelego go thusa puso. Mme Kenewendo o rotloeditse ba ba dingwaga di lesome le boferabobedi le go feta go ikwadisetsa ditlhopho tsa setshaba tsa ngwaga o o tlang. Moeteledipele wa Botswana Stock Exchange, Rre Thapelo Tsheole o boletse fa maikaelelo a bone e le go tsenya letsogo mo thutong ya lefatshe leno. Rre Tsheole o kgothaditse baithuti go tlhoafalela thuto, a re ba tsee malebela mo go ene le tona. A re le bone ba tsene dikole tsone tse ba di tsenang. A re ba tlaa tswelela ba thusa sekole fa motshine o ka senyega kana o feletswe ke didirisiwa, a tlatsa ka go re ba tlaa tsweledisa botsalano go ya pele fa maduo a bonala. Mogokgo wa sekole sa Motopi, Mme Victorious Gogannekgosi o tlhalositse fa maduo a sekole a tokafetse mme e bile ba ikaelela go tswelela ba a godisa. Mme Gogannekgosi a re o solofela gore ba tlaa kgona maikaelelo a bone ka jaana baithuti ba sekole sa gagwe ba itshwara sentle le barutabana ba na le lorato mo baithuting. A re motshine o tlaa tsisa pharologanyo mo tirong ya bone ka jaana ba ne ba kgona go tlhoka kwa ba ntsifatsang dipampiri teng kana ba tsamaya sekgala go ya go kopa thuso. BOKHUTLO education 4 Sekolo sa Semane se a ipela E ne ya re Mopitlo a tlhola malatsi a le masome a mabedi le botlhano sekolo se segolwane sa Semane kwa Serowe sa ipelela maduo a lekwalo la boraro a ngwaga o o fetileng. Fa a bua mo moletlong o o neng o dirilwe kwa sekolong seo go abela bana ba ba dirileng sentle dimpho mogokgo wa sekolo seo Mme Keosaletse Baruti a re ba na le dingwaga tse tlhano ba ntse ba tsaa maemo a ntlha mo Serowe, go simologa ka ngwaga wa 2012 go fitlha 2014 ka jalo ba ne ba bona go tshwanela gore ba ipelele seo. A re e rile a goroga ka ngwaga wa 2012 a fitlhela sekolo se ntse se dira bontle mme le ene a tla ka maikaelelo a gore o tla dira ka botlalo gore se tswelele se ntsha maduo a a nametsang. Mme Baruti o tsweletse ka go re sekolo se fentse ka maduo a masome a supa le bobedi mo lekgolong (72 per cent) ka 2012, masome a marataro le mobedi mo lekgolong (62 per cent) ka 2013 sa wela tlase ka masome a matlhano le bone mo lekgolong (54.3 per cent) ngwaga o o fetileng mme se ntse se le mo maemong a ntlha ka se se dirilwe ke gore maduo otlhe a ile a wela tlase lefatshe leno lotlhe. O ne a bolela fa go na le popagano fa gare ga barutabana mme seo se dira gore ba seka ba imelwa ke tiro e bile ba kgone ba fitlhelele maitlamo a bone a e leng maduo a mantle mo baithuting. Mme Baruti a re ba kgothatsa baithuti go bereka ka natla mo dithutong tsa bone e bile fa ba sa tle sekolong go sena mabaka ba ba latele kwa malapeng go ya go utlwa gore mathata e ka tswa e le eng mme ba ba tsise sekolong. O ne a rotloetsa baithuti ba ba neng ba diretswe moletlo gore ba tswelele ka go ntsha maduo a mantle ka go bo ba ba tlang kwa morago ba tshwanetse go gata mo dikgatong tsa bone.Mme Baruti a re o tshwenngwa ke gore batsadi ga ba a tshwaraganela bana le bone ke ba se kae fela ba ba dirisanang le bone mme a re seo ga se ba kgobe marapo mo thutong. E rile a tswa la gagwe Moruti Billy Chanda wa kereke ya Bible Life Ministries mo Serowe a re thuto ke yone konokono mo setshabeng ka go nne fa o sena thuto ga o na go tlhaloganya dilo tse di ntsi mo botshelong A re ga gona jaaka thuto e ka nna teng go sa badiwe ka jalo o rotloetsa baithuti go bala ka ke gone fela ba ka kgonang go ntsha maduo a a nametsang e bile a re gore motho a ntshe maduo a mantle o tshwanetse go lebelela batho ba ba ko pele ga gagwe gore ba fitlheletse maikaelelo a bone jang mme e nne bone sekai mo botshelong jwa gagwe. O buile gore mo botshelong o tshwanetse go nna le boitshwaro jo bo siameng le go tokafatsa mekgwa ya gago fa e le gore ke e e seng yone gore o tle o kgone o nne sekao mo go ba bangwe le go fitlhelela maitlamo a gago. Rre Chanda a re batsadi ba tshwanetse go kgothatsa bana gore ba nne le maikaelelo a a tsepameng le gore ba tseye thuto ka tlhwaafalo. Fa a leboga, modulasetilo wa komiti ya maduo e bile e le morutabana kwa sekolong seo Rre Benny Phiri a re ntswa ba nnile le kgwetlho ya madi ba ne ba dira ka thata gore moletlo o kgone o nne teng. O kopile batsadi go ba ema nokeng ka go nne bana ke ba bone botlhe ka jalo ba tshwanetse gore ba ba thusane. Rre Phiri o lebogetse botlhe ba ba neng ba tsile mo moletlong wa bone gore ba bo ba kgonne go tla go ipela le bone a re seo se a itumedisa e bile se supa tirisano mmogo mo setshabeng. education 4 Ngwao ke boswa Kgosi wa Nxaraga, Kgosi Gaolathe Kgosigaenyatswe o kopile morafe go tlotla makgotla a Setswana. O buile jalo mo phuthegong ya kgotla a supa fa a sa jesiwe diwelang ke bomme bangwe ba ba aparang marokgwe fa ba ya kgotleng. A re seo se kgatlhanong le ngwao ya Setswana mme a ikuela mo go ba ba dirang jalo go emisa mokgwa o o. Kgosi Kgosigaenyatswe a re batho bangwe ba na le go kopa dingwao tsa mafatshe a sele mme ba nyenyafatse dingwao tsa bone. A re go botlhokwa gore merafe e tshegetse dingwao tsa one le gone go di somarela ka seo e le motheo wa setswana. A re bomme ba ba letlelelwang go tsena mo dikgotleng ka marokgwe ke babereki ba sepodise le ba diphologolo ka jaana tiro ya bone e pateletsa seo. Mo dikgannyeng tse dingwe, kgosi o ne a lebogela tiro e ntle e e dirwang ke sekole sa Rural Training Centre a tlhalosa fa tiro ya bone e nametsa ebile e tlhabololo le motse wa bone. A re gompieno banni ba ntse ba tshelela mo leshekereng la lenyora mme jaanong sekole seo se a ba nosa. A re ba ne ba tsere boitlhobogo ba nwa mo nokeng ka ba ne ba aparetswe ke letlhoko la metsi. Kgosi o ne a lebogela tirisanyo mmogo ya merafe le maphata a tshwana la diphologolo le ba Local Enterprise Authority (LEA) a re maiteko a bone a a bonala sebe sa phiri ke letlhoko la metsi mo go diragetseng mananeo a LEA. O ne a akgola ba lephata la tsa tikologo go bo ba bone go tshwanela go tshwarela letsatsi la mafatshe la tikologo kwa motseng wa bone. A re e re ka ba nna mo mogoteng o dumela fa banni ba tla ithuta go le gontsi ka phetogo ya loapi le gone go somarela tikologo ya bone. E ne ya re a tswa la gagwe, mogokaganyi wa lephata la Environmental Affairs, Mme Belda Mosepele a gwetlha banni go nna basireletsi ba matlotlo a bone a tlholego a supa fa go tsoma e se ka fa molaong e le selo modiro mo kgaolong ya Ngamiland. A re ba tshwanetse ba ipelafatsa ka bontle jwa makgobokgobo a Okavango Delta mme ba netefatsa gore a sireletsegile ka nako tsotlhe ka jaana a ngoka bajanala. Mme Mosepele o supile fa bogodu jwa diphologolo bo tshwenya thata mo kgaolong a supa fa ngogola ba kwadisitse melato e ka nna masome matlhano le borataro, mme mo go one go supagetse fa ya go bolaya ditlou e le lesome le bone. A re ba tlhaloganye gore bojanala bo na le seabe se setona mo itsholelong ya lefatshe leno ka jalo a ba kopa go tlhokomela di-tsa tlholego. O supile matshwenyego a mangwe a a kgotlelang tikologo jaaka go rema dikgong, go epa motlhaba e seka fa molaong, go latlhela matlakala mo mafelong a a sa sirelediwang le gone foe pa mebu go sena tetla. A re seemo seo se a tshwenya ka jaana se ama tikologo le morafe ka kakaretso, a tlatsa ka gore mahuti a a epiwang ao a felela a nna borai mo baneng, leruo le diphologolo tota. O kopile banni go nna sekao mo mererong ya tshomarelo tikologo le gone go bega ditiragalo dipe fela tse di amang kgotlelesego ya tikologo. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Sekolo se ipaakanyetsa go ipelela dingwaga tse masome a matlhano Mongwe wa mabutswa pele a Tonota mo kgaolong ya Legare, Mme Mapaseka Keotshephile, a re tlhompho le bopelotelele ke tsone konokono mo loratong e bile di ka hema dintwa le dipolaano mo barataning. E rile a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng Mme Keotshephile yo o dingwaga di masome a a ferang bobedi le motso o tlhalositse fa go le botlhokwa gore bakapelo ba itsane ka go dira jalo go ka thusa gore yo mongwe a lemoge fa yo mongwe a sa itumela, kgotsa a le mowa o o kwa tlase le ntswa a sa bue. E rile a a fa sekai ka ene a tlhalosa fa a na le dingwaga tse di masome a mararo le bosupa mo nyalong le rre yo o setseng a seyo mo botshelong, mme e bile ba ise ba ke ba kgaogane. A re seo se bakilwe ke tlhompho le bopelotelele, ka ba ne ba itshokela dikgwetlho tsotlhe tsa botshelo mmogo, go balelwa le motlha wa tlala mo lapeng mo ba neng ba sena dijo le madi. A re ba ne ba godisa bana ba bone ba ba supang mmogo, ba ba setseng ba godile e bile ba mo thusa mo botshelong. O buile fa borre e le batho ba ba sa fiwang kwa puong mme gantsi ba dirisa dikgoka mo loratong go fenya dikgang, mme se se baka dintwa tsa marato. A re bomme ba tshwanetse go tlhaloganya borre mme ba seka ba ba felela pelo le go ba omanya thata. A re bomme bone ke batho ba ba filweng kwa molomong mme go se motlhofo gore ba didimale go fitlhelela ba fenya kgotlhang. O gateletse fa go le botlhokwa gore borre le bone ba tlhaloganye bomme le gore ba seka ba ba felela pelo, kgotsa go tsaya dikgang ka mafatlha gore kgang e ne modiga. Mme Keotshephile o tlhalositse fa go tsietsana mo maratong e se go supa tlhompho mo mokapelong, mme se se baka go thubega ga marato, dintwa le dipolao tota. O gateletse fa go ya ka Baebele Modimo o bopile monna e leng Adamo, mme morago wa mmopela Efa gore a nne mosadi wa gagwe yo o esi, go supa fa le Baebeble e rotloetsa gore monna a nne le mosadi a le mongwe fela. A re go nna matlhomaltho go ka rotloetsa gape kanamo ya malwetse a tshwana le HIV/AIDS. O kaile fa lorato e le sethunya le tlhokana le go nosediwa, ka jalo go le botlhokwa gore baratani ba tlakisane mo leratong ka go rekelana dimpho, go etela mafelo a mangwe kwa ba iphokisang phefo teng, jalo jalo. A re se se tlaa ba thusa go nosetsa lorato lwa bone le go ba lapolosa ditlhaloganyo, mme e bile ba tlaa bopagana jaaka ngatla ya dikgong. O tlhalositse fa batho bangwe ba tsenela mo maratong madi, dithoto le poko tota, mme se e se sone ka lorato e se papadi, mme e bile lorato lo tshwanetse go tswa mo botennye jwa pelo. O buile fa go le botlhokwa gore baratani ba bitse batsadi, baruti, ba masika jaaka borakgadi, bomalome kgotsa bagolo fela ba motse go ba thusa go rarabolola dikgotlhang tsa bone, a re se se ka hema dintwa, ditlhalo kgotsa dipolao. O rile go itlhaganelela go tsena mo maratong ga bana ba segompieno e santse e le bokgwamashi le gone go oketsa mekubukubu. O kgadile batsadi ba ba rotloetsang bana go tsena mo maratong ba sa le bannye e bile ba direla mo mathong a bone a kaya fa se e le go tlhoka boikarabelo ga batsadi, mme e bile go dira jalo ba ka tsoga ba lelela kgama le mogogoro. BOKHUTLO society 9 Monana wa Bobonong o itshetsa ka go loga Monana wa kwa Bobonong, Mme Naledi Sobea, o itshetsa ka go loga. Mme Sobea o tlhalositse fa a simolotse kgwebo e ka ngwaga wa 2012 ka kgwedi ya Sedimonthole. A re o sa le a ithuta go loga moriri a santse a le dingwaga di kwa tlase mme a nna a dira jalo ka go loga meriri ya balekane ba gagwe mme a sa lope dituelo dipe. Mme Sobea, yo o dingwaga di masome a mararo le boraro, a re e rile go fetsa dithuto tse dikgolwane kwa Matshekge ka ngwaga wa 2003 a simolola go loga batho mo malwapeng mme e le tsela ya go itshetsa. A re o ne a lemoga fa go loga go ka mo tswela molemo, mme a ya go ikoketsa botlhale ko Madirelo Training and Testing Centre. Go fetseng dithuto tsa gagwe kwa Madirelo a re o ne a nna le kgwetlho ya go tlhoka lefelo le madi a a ka direlelang teng mme a tsaya kgato ya go kopa thuso ko lenaneong la banana la Youth Development Fund (YDF). Maiteko a gagwe a ne a atlega mme ka ngwaga wa 2012 a bula madirelo a a logelang meriri teng. Madirelo a ga Mme Sobea a itsege ka leina la Ti Ti Bye mme a fitlhelwa mo kgotleng ya Borotsi, mme o leboga YDF go bo e mo thusitse ka madi a go itshimolela kgwebo. “YDF e nthusitse gape ka go atolosa kgwebo ya me ka jaanong ke na le didirisiwa tsotlhe tse di tlhokegang mo kgwebong ya go ntlafatsa meriri”. Monana yo a re o setse a busitse madi otlhe a a neng a a adimilwe ke ofisi ya banana mo Bobonong. A re o ne a adimilwe P80 203 mme o busitse P34 200. A re kgwebo e e tlhabolotse botshelo jwa gagwe ka jaanong a kgona go jesa ba lelwapa la gagwe e bile a le mo maikaelelong a go ikagela ntlo. Ntswa kgwebo ya gagwe e tsamaya sentle, Mme Sobea o boletse fa go na le dikgwetlho di tshwana letlhoko la baji bareki ba kgwebo ya gagwe e bile nako nngwe kgwebo eo e amiwa ke kgaogo ya motlakase ka didirisiwa tsa gagwe di dirisa motlakase. A re “ke lebogela Modimo talente e”, mme a supa fa bopelotelele, boitshoko le maitshwaro a a siameng di le botlhokwa mo dikgwebong tsotlhe ka kakaretso. Mme Sobea o ne a konetelela ka go kgothatsa banana ka ene go tsaya mananeo a banana ka tlhwaafalo ka a ka ba thusa go nyeletsa lehuma le go tokafatsa matshelo a bone. O tsweletse a ba gakolola go inaakanya le ditiro tsa diatla ka di ka thusa go kabakanya itsholelo ya lefatshe leno. economy_business_and_finance 3 Boranyane bo tla a thusa kanamiso ya melemo Mopalamente wa Molapowabojang/Mmathethe, Dr Alfred Madigele a re puso e tla kgaotsa selelo sa balwetse sa go tlhaela ga melemo mo dikokelong mo dikgaolong, ka go rulaganya le ba Central Medical Stores go gokagana le bone ka boranyane go isa melemo nako e le teng. Dr Madigele o buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla kwa Molapowabojang, Diabo le Digawana ka Mosupologo. Tsholofetso eo e dule morago ga gore bontsi jwa bagolo ba ba lwalang malwetse aa akaretsang jwa madi a matona, kankere le sukuri ba supe fa dipilisi di tlhaela mo dikokelong bogolo jang mo dikgaolong. Bangwe ba ne ba ngongorega fa melemo mengwe o fitlhela e seo mo dikokelong mme ba bongaka ba laele gore ba ipatlele ko marikisetsong a melemo mo dikhemisiting, ba boletse fa a tura thata. Ngaka Madigele o boletse fa seemo seo ba se rekegetse tsebe mme ba dirile gore jaanong gonne le sebalamakgolo sese tla lomaganang le tsa dikgaolo go nna ba itsisane ka seemo sa melemo gore e tsamaya fa kae mme ga e fela ba itsisane nako e le teng gore e isiwe. Dr Mdigele, yo gape e leng Mothusa Tona wa Botsogo,o boletse gore jaaka seemo sa itsholelo se solofetsa jaana ba tsile go tsholetsa dikokelwana go nna dikokelo tsedi nang le dikamore tsa pelegi, machine oo bonesang le ee monang madi. O boletse fa ba tsile go dira jalo mo ngwageng wa madi o o simololang ngwaga o no, di tla tsena mo NDP 11. O boletse fa ba tsile go aga matlo a baoki mo Botswana otlhe a le 200, mme ba tla le ba ko letlhokong le lentsi teng thata, a sofetsa ba Digawana le Molapowabojang batla akanyetswa ka gore dipalo di supa fa ba godile thata. Mo dikgangnye tse dingwe o kopile banni ka kakaretso go itlhatlhobela malwetse otlhe ka mehuta le fa ba sa lwale go itsi seemo sa bone nako e le teng. A bolela fa bontsi bo lemoga fa ba lwala go setse gole thata. Le fa gontse jalo tona o ba lebogetse go banni go mo tlhopha go nna maoto a bone mo kgaolong ee bophara ya Mmathethe/Molapowabojang, o boletse gape fa tautona le ene a bone gole botoka gape go mo dira mothusa tona ya botsogo. O boletse fa a tla taboga thata go tlhabolola kgaolo ya gagwe. Mo dikakgelong banni ba Molapowabojang ba kopile gore kokelo ya bone e nne ee berekang bosigo le motshegare (24 hrs)e nne le ntwana ya pelegisetso le bodiredi jo bo lekaneng. Ba kopile lephata la botsogo gore le wele mo khanseleng ya borwa gona le teropo ya Lobatse jaaka go ntse. Banni gape ba ikuetse thata ka bogodu ja leruo jo bo golelang pele mme babelaelwa ba gololwa ka bonako mme ba ipoeletse gape go utswa. Ba ngongoregile ka bomaswe ja ditsela, ba bolela gore fa dipula di nele bana ga ba tsene sekole ka ntata ya melapo ee fa gare ga motse ga mmogo le babereki ga eye ditirong. Ko Digawaneng fela jaaka ba Molapowabojang ba lelile thata ka tlhaelo ya metsi mo motseng le mororo phaphe ya metsi e feta mo metseng ya bone e ya ko Goodhope. Ba kopile gore ba banne le koloi ya kgotla gore e thuse go tshwara magodu a dikgomo a ikgatlhang tsatsi le penne ka go utswa. Ba ngongoregile ka balami barui bangwe ba basweu ba ba nnang go bapa le bone ba bareng ga ba dirsane le bone sentle, ba boletse fa borradipolase tseo ba bolaya dikgomo tsa bone ka botlhole fa di tsene mo polaseng tsa bone. Ka kgang ya dikereke tsedi runyang thata malatsi a no, puso e ntshitse mogopolo wa gore palo ya go ikwadisa go dira kereke e nne batho ba le 250 gotswa ko go 20 jaaka gone go ntse pele. Mme morafe ka bontsi ba dumalane go palo ya 250 ebile e nnnye ba bolela le bone ba tshwenngwa ke dikereke tsedi runayang tsatsi le letsatsi. Mo go tsa metsi modiredi mogolo wa metsi (water Utilities) Rre James Moyo o boletse fa pula e nele e le boutsana mo kgaolong ya borwa mo ebileng didiba ka bontsi di kgala, o boletse fa ko ba tsayang metsi teng ko Gaborone gole thata ka letamo la Gaborone le kgadile. O boletse fa bangwe barui ba kgaola diphaephe ba nosa leruo la bone. O boletse fa batla leka ka tsotlhe go lwantsha seemo. BOKHUTLO health 6 Malefho ke mmampodi wa poko Mmoki go tswa kwa Serowe, Rre Kabelo Malefho yo o tumileng ka leina la Mankge wa Setso o dule ka tse di tsididi go nna mampodi mo dikgaisanyong tsa poko tsa letsatsi la ga Tautona tse di neng di tshwerwe ka mafelo a beke. Rre Malefho yo o dingwaga tse di masome mararo le boraro o fentse ka dintlha di le masome a mane le boraro a longwa serota ke Mme Galenkgathe Taunyane, fa Rre Keabetswe Moleta a tsere maemo a boraro. Fa a bua mo potsolotsong, Rre Malefho o ne a seka a fitlha boitumelo jwa gagwe go bo e le mofenyi morago ga go iteisanya borathana le ba bangwe. O tlhalositse fa kgaisanyo ya monongwana e ne e le e e mashetla e bile e ngokile baboki ba bantsi go ralala kgaolo ya Legare. A re maikaelelo a go tsenelela phadisanyo e ne e le go buseletsa serodumo sa gagwe sa 2014 le 2016 fa e ne e le mmampodi go ya go emela kgaolo mo makgaolakgannyeng. O tlhalositse fa a sale a simolola go tsenelela dikgaisanyo tse ka 2012, mme e bile a kaya fa dikgaisanyo di mo solegetse molemo mo botshelong. A re di mo thusitse go nna le maitemogelo a a kwa godimo a go lemoga botlhokwa jwa go tsaya tsia bodiragatsi e le tsela ya itshetso. “Dikgaisanyo tse di fetotse matshelo a rona go menagane re le banana ka bangwe re ne re le mo lefifing re sa lemoge fa re le ditswerere e bile re sa itse fa botswerere bo ka nna le seabe se segolo mo go fetoleng botshelo jwa motho,” a bua jalo a tlhalosa fa ene a bone botshelo mo bodiragatsing jwa poko. A re madi a ba atswiwang ka one a ba thusa go itlodisa melatswana, e bile a galaletsa tautona wa pele Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama go bo e ne ya re mo pakeng ya gagwe ya go etelela lefatshe a leka ka bojotlhe go ribolola botswerere jwa badiragatsi. Rre Malefho yo go lebegang a ititeile sehuba go busetsa seetsele kwa Serowe se se dikileng se ile kgaolong ya Kgalagadi, a re o ya go itlhokotsa thata gore go seka ga nna le ope yo o mo gaisang. Mo kgaisanyong e nngwe ya poko ya sekgowa, mofenyi e ne ya nna Rre Obakeng Kagiso, a longwa serota ke Mme Kelebileone fa Rre Obakeng Mompati ene a gapile maemo a boraro. Mo moopelong wa dinnoto, setlhopha sa Palapye Voices go tswa kwa Palapye e ne ya nna sone bagaka, fa ditlhopha tsa Tsetsebye Choral le sa Masunga tsone di ne tsa iponela phenyo ya maemo a bobedi le a boraro ka tatelano. E re dikgang di eme jalo, mogokaganyi wa ditirelo tsa lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao Mme Onalenna Chilisa o tlhalositse fa dikgaisanyo tsa bodiragatsi di gola ngwaga le ngwaga. O ne a tlhalosa fa dikgaisanyo di tsisitse diphetogo tse di eletsegang mo boitshwarong jwa banana ba lefatshe leno e bile di ba butse matlho go lemoga fa botswerere bo sa tlhole e le selo sa itloso bodutu mme e le tiro ya itshetso. arts_culture_entertainment_and_media 0 Ba Nkange ba re metsi a letswai Banni ba kgaolo ya Nkange ba ngongorega ka metsi a a letswai a a tswang kwa didibeng tsa Maitengwe. Ba ikuetse mo phuthegong ya kgotla, e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo yo ebileng e le tona wa tsa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu kwa kgotleng ya Magapatona le Nkange botsheng Rre Seja Somolekae a re ba sa le ba tshephisitswe go sielwa metsi a a tswang Ntimbale mme nako kgolo ke eno.A re koporase ya metsi e imelwa ke tiro ka jalo a kopa puso go busetsa tiro ya go siela setshaba metsi kwa khanseleng bogolo jang metse e mennye, mme koporase yone e siele e metona. Banni ba ne ba supa matshwenyego ka bonya jo bo tsewang ke koporase ya metsi ya go thiba diphaephe tse di dutlang, ba re motse o fetogile makadiba.Ba ne gape ba lela ka ditlhwatlhwa tsa metsi tse di kwa godimo le tiego ya go gokela metsi mo malwapeng le ditlou tse di ba senyetsang kwa masimong. Fa ba tsibogela kgang e ba neng ba e beilwe pele ke mopalamente ya go sekaseka molao wa kwadiso ya mekgatlho le makgotlana, bogolo jang e e amang kwadiso ya kereke fa e na le maloko a makgolo a mabedi le masome matlhano, ba ile ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo ka palo eo. Mongwe wa batsena phuthego, Rre Bernard Shobo o ne a re molao oo o tlaa baakanya dilo di le dintsi fa dikereke di ka sala morago ditsetlana tsa one ka Batswana ga ba a bolo go jewa ntsoma ke dikereke tsa batswakwa tse di tsayang ditshwanelo tsa bone di ya go di itirisetsa kwa mafatsheng a bone. Fa a araba ka matshwenyego a koporase ya metsi, Rre Batshu o boletse fa puso le yone e tshwenyegile ka seemo seo mme a re e leka bojotlhe go araba selelo sa bone. Mopalamente Rre Batshu o mo loetong lwa kgaolo ya gagwe go ba lekodisa ka tsa palamente e e fetileng le go tsaya megopolo mo bathong go isa kwa palamenteng e e tlang. BOKHUTLO society 9 Tiriso ya Dikausu Tsa Bomme e oketsegile Mogolwane wa tsa botsogo kwa kgaolong-potlana ya Moshupa Dr Malebogo Rauwe a re tiriso ya sekausu sa bomme e oketsegile fa go tshwantshanngwa le fa di simolodisiwa. O ne a araba dikakgelo le dipotso tsa makhanselara kwa phuthegong ya khansele-potlana eo bosheng jaaka ba ne ba supa fa dikausu tsa bomme di sa dirisiwe ka mabaka a monko o o bosula le go tsosa modumo. Le fa go ntse jalo Dr Rauwe o ne a ba tlhalosetsa gore morago ga dipatlisiso tse di tseneletseng le kabelano megopolo fa gare ga ba botsogo le setshaba, sekausu sa bomme se ne sa tlhabololwa, ka jalo ga se sa tlhole se na le monko le modumo tse di neng di tsala pifelo. O ne a ba kgothatsa gore jaaka e le baeteledipele ba morafe ba tshwanetse go kgothatsa batho go dirisa sekausu seo go thibela boimana jo bo sa rulaganyediwang le malwetse a tlhakanelo dikobo. O boletse fa tiriso ya sekausu sa bomme e tshwanetse ya rotloediwa thata ka jaana e thusa gore le bone ba nne le maikarabelo a go tsaya ditshwetso mo go tsa tlhakanelo dikobo go na le go neela borre boikarabelo jotlhe. Mo dikgannyeng tse dingwe, Dr Rauwe o supile matshwenyego mabapi le dipalo tse di kwa godimo tsa boimana jwa bana ba dingwaga tse di kwa tlase. A re ntswa a ne a sa tshwara dipalo ka nako ya a buisa phuthego eo, go supagetse fa boimana jo bo remeletse thata mo baneng ba dikole tse dipotlana le tse dikgolwane, fa manoto e le ba ba sa tseneng sekole. O kopile batsadi le setshaba ka kakaretso go thusanya go kgalemela bana gore dikgang tsa mofuta o di fokotsege. Makhanselara a bile a ngongoregela tlhaelo ya melemo mo dikokelwaneng tsa kgaolo ya bone. Fa a araba kgang eo o boleletse fa kgaolo-potlana ya bone e sena mabeelo a a lekaneng a melemo, ka jalo ba tsisa melemo ka selekanyo se se kwa tlase gore e tsene e tswa. Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa go dira jaana go ba baya ka fa mosing ka jaana dinako tse dingwe ba fitlhela melemo e seyo kwa mabeelong a magolo. BOKHUTLO health 6 Botswana o ka ntsha dijo - banni Banni ba metse ya Mookane, Mmaphashalala le Dibete mo kgaolong potlana ya Mahalapye, ba re lefatshe leno le ka ntsha dijo tse di lekaneng fa go na le tshwaragano le tirisano mmogo fa gare ga setshaba, mmuso le mapolotiki. Ba buile jalo fa ba ne ba akgela mo phuthegong ya kgotla kwa Mookane, e e neng e buisiwa ke lekoko le le romilweng ke Tautona go tsaya megopolo mo setshabeng mabapi le tebelopele ya setshaba ya Vision 2036. Ba re fa Batswana ka bongwe ka bongwe ba ka nna le seabe mo ditlhabololong tsa lefatshe leno e bile mmuso o ka ema balemi-barui nokeng mo mhameng wa temo-thuo ka go ba epela didiba tse metsi a tsone a ka dirisiwang mo temong ya nosetso, lefatshe leno le ka kgona go ntsha dijo tse di lekaneng le go bulela Batswana ba bangwe diphatlha tsa mebereko. Batho ba ba neng ba akgela mo phuthegong eo, ba re dingwe tse ba eletsang di ka diragadiwa mo dingwageng tse di masome a mabedi tse di tlang ke go tokafatsa seemo sa thuto ka go letlelela bana go boelela fa ba sa dira sentle mo dithutong tsa bone le go tsosolosa lekalana la thuto gaegolelwe. Ba re le ntswa lefatshe leno e le la tsamaiso ya puso ya batho ka batho ga ba jesiwe diwelang ke go tlhoka go dirisiwa ga diteme tsa merafe e mengwe ya lefatshe leno, go rontsha merafe e mengwe go nna le dikgosi kgolo jaaka merafe e mengwe, go letlelela batho ba ba bolaileng ba bangwe go letela tsheko ba le kwa ntle ga kgolegelo ntswa go na le bosupi jo bo papametseng gore ba bolaile, mme ba bolela fa go dira jalo go ka rokotsa setshaba go itseela molao mo diatleng. Ba re e re ka mhama wa temo-thuo e le mokokotlo wa itsholelo ya lefatshe leno e bile e le yone e ka rarabololang mathata a tlhaelo ya dijo, go lwantsha letlhoko la ditiro le go tswakanya itsholelo go mo maruding a mmuso go tswelela ka go ema balemi-barui nokeng ka go ba thusa ka dipeo le menontshane mahala le go tlhabolola letsopa la dikgomo tsa nama gore lefatshe leno le kgone go phadisana le mafatshe a mangwe mo dimmarakeng. Ba re go ikgatholosa Modimo ka go tlhoka go tsena dikereke, go tlhoka go tlotla bagolo ga banana le go itewa tsebe ke dingwao tsa ditshaba di sele, ke sone se se dirang gore lefatshe leno le kokonelwe ke manokonoko a mauba le dipolaano tsa baratani. E ne e rile go le pele leloko la lekoko leo Mme Sarah Dibe, a tlhalosa fa maikaelelo a lekoko leo, le le romilweng ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama e le go tsaya megopolo mo setshabeng mabapi le tebelelopele ya setshaba ya Vision 2036. Mme Dibe o rile ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe go ntsha maikutlo a gagwe gore e re puso e ya go kwala bukana ya Vision 2036 e bo e ikaegile ka megopolo e e tswang mo Batswaneng gammogo le mo mapolotiking a diphathi tse di farologaneng tsa lefatshe leno go balelwa le makgotla a dikereke. Bokhutlo society 9 Ba Tirelo Setshaba ba simolotse go bona dikatso Banana ba lenaneo la Tirelo Setshaba (TS) ba ba dikete di lesome le botlhano lefatshe leno ka bophara, ba simolotse go tsaya dikatso tsa bone tsa ntlha kgwedi ya Motsheganong e tlhola malatsi a le matlhano. Morulaganyi wa lenaneo la Tirelo Setshaba, Dr Bethseba Mbongwe o boletse seo mo thuto puisanong e e neng e rulaganyeditswe ditlhogo tsa maphata a puso kwa Gumare bosheng A re ka ntata ya madiadia mangwe a a nnileng teng mo tshimolodisong ya lenaneo le, seo se bakile tiego mo dikamogelong tsa ba ba amegang. Dr Mbongwe a re nako e e beilweng ya go amogela dikatso tsa bone ke malatsi a masome a mabedi a kgwedi nngwe le nngwe. O kopile ditlhogo tsa maphata go tlatsa dipampiri tse di amogedisang banana bao nako e e sale teng gore ba kgone go bona lemmenyana la bone ka nako e e tshwanetseng. E re ka lenaneo la Tirelo Setshaba e le la boithaopo, a re monana mongwe le mongwe o fiwa lemmenyana la pula di le makgolo matlhano ka kgwedi nngwe le nngwe, mme ba bolokelwe pula tse di makgolo a mabedi go rotloetsa monana go ithuta go boloka madi go na le go jela fela mo ganong. A re mo dikgaolong tsa botlhophi tsa bopalamente tse di masome a mabedi le bosupa, kgaolo nngwe le nngwe e filwe banana ba le makgolo a mabedi le masome a marataro le boraro. Dr Mbongwe a re mo dikgaolong tseo di le nne fela ke tsone di senang diofisi tsa lephata la banana, metshameko le ngwao ka ntata ya go tlhoka ditlamelo kwa mafelong ao. Mo nakong eno, a re diofisi di le masome a mararo le bobedi tsa lephata la gagwe di aname le lefatshe ka bophara go itebaganya le merero ya tsa banana ka kakaretso go akarediwa lenaneo la Tirelo Setshaba. O gwetlhile badirela puso go tlhoafalela go diragatsa lenaneo leo gore le sologele banana molemo. Dr Mbongwe o boile a ba gakolola go ikgolaganya le bodiredi jwa lephata la gagwe go rarabolola bothata fa bo le teng. Mongwe wa bagolwane kwa lephateng leo, Mme Lesego Sepato o kopile ditlhogo tsa maphata go ikemisetsa go tataisa banana ba ba isitsweng kwa maphateng a bone go tsamaelana le maikaelelo a puso. O gateletse botlhokwa jwa tshwaragano magareng ga badirela puso le bana-le-seabe botlhe gore lenaneo leo le tsamaye ka thelelo. Mme Sepato a re ba ka kgona seo fela fa ba ka nna le mowa wa neelano, bopelotelele le lorato mo go ruteng banana ba Tirelo Setshaba ka tse di tlhokwang mo go bone. O kopile gape bagolwane bao go ruta banana boitshwaro jo bontle fa ba thusa setshaba, go apara sentle, go ikgapha mo sepolotiking ka nako ya tiro le go sala morago melawana e e ba laolang ya lenaneo leo. E ne ya re ba akgela, baoki ba dikokelwana ba tlhalosa fa go ba ketefalela go dira le banana ba Tirelo Setshaba ka tiro ya bone e remeletse mo botsogong jwa batsadi ba bana bao mme ka jalo ba ka tloga ba ntsha diphiri tsa bolwetse go akarediwa maduo a mogare wa HIV le a mangwe. Ba rile, ere ka ba setse ba itse mekgwa le boitshwaro jwa banana bangwe ba metse e ba direlang mo go yone, go botlhabetsi go dira le banana ba go nna jalo, mme ba kopa lephata go ntsha banana bao go ba emisetsa ka ba bangwe. Bagolwane ba maphata a puso gape ba ngongoregetse go bo badirela setshaba ba sa fiwe lemmenyana fa ba ile peleging ntswa ba a bo ba tlhoka madi ka nako eo. Lenaneo la Tirelo Setshaba le simologile monongwaga ka kgwedi ya Moranang e rogwa, mme maikaelelo ke go rotloetsa banana go tsenya letsogo mo itsholelong ya lefatshe la bone. Banana ba le dikete di le masome a mararo le boraro ba ne ba supa kgatlhego ya go tsena mo lenaneong leo mme ga tsewa fela ba le kwa tlase ga sephatlo sa palo eo. society 9 Mmatla kgwana ya ga gabo... E ne ya re go bona bontsi jwa banana ba aperwe ke lehuma, puso ya tla ka mananeo a a farologaneng ka maikaelelo a go le nyeletsa. Rre Jonah Tsheto wa Sefhare mo kgaolong ya Legare ke mongwe wa banana ba ba neng ba iketleeletsa go ikopela dithuso. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Tsheto a re o ne a tsaya ka tlhwaafalo lenaneo la puso le le thusang banana ka madi go simolola dikgwebo la Youth Development Fund. O kaile fa difomo tsa ikopelo di se motlhofo mme di batla motho yo o ititeileng sehuba go dira kgwebo. A re lephata le ne la mo neela madi a a neng a kopile ntle le tiego epe. “Madi ao a ne a nthusa go reka tse di tlhokwang ke kgwebo jaaka matlalo, metshine le mealo ya ditlhako le tse dingwe,” o tlhalositse jalo. Rre Tsheto a re o ithutetse go roka le go dira ka matlalo kwa lephateng la matlhoko a leruo kwa Mahalapye. E rile a sena go fetsa dithuto, o ne a roka fela mo lapeng a dirisa dithoko tsa Setswana. Rre Tsheto o ne a rokela ba masika le batho ka go farologana, bogolo thata ba ba itseng fa a ithutetse go dira ditlhako. Le fa go ntse jalo, a re fa a sena go newa madi a lemoga fa mmaraka o le kwa tlase kwa Sefhare, mme a fudugela kwa Mahalapye. A re o ne a ikopanya le ba sekole sa tiro ya diatla sa Madiba a kopa go dirisa dikago tsa bone, mme bogogi jwa sekole seo jwa dumela go mo thusa. O supile fa a dira ditlhako ka mefuta, mme a re pele ga a ka dira ditlhako o tshwanetse a tshwantsha se se batlwang ke bareki gore ba kgotsofalele tse ba di batlang. Rre Tsheto a re maikaelelo ke go kopa madi kwa CEDA go godisa kgwebo. O hirile babereki ba le babedi mme keletso ke go thapa ba le bantsi fa a ka fiwa madi ke ba CEDA ka gore kgwebo e tlaabo e dira dithoto tse dintsi. society 9 Baithuti ba ima ka dipalo tse di kwa godimo Morutabana wa bogakolodi le tshidilo maikutlo kwa sekoleng se segolwane sa Tutume McConnell College, Mme Onalenna Edward a re baithuti ba ima ka dipalo tse di kwa godimo thata tse di ngomolang pelo. E rile a lekodisa batsadi ba bana ba ba yang go dira lekwalo la bone kwa sekoleng seo ka Labobedi (Tlhakole 17), Mme Edward a bolela fa ngogola go dule baithuti ba basetsana ba le masome mabedi le bongwe ka ntlha ya boimana. A supa fa palo entsi e le ya baithuti ba lekwalo la bone.O ile a kopa batsadi ba bana ba basetsana go bua le bana ba bone ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo le ditlamorago tsa go ima ba sale bannye. A gatelela ka gore go bo dipalo tsa bana ba basetsana ba ba tlogelang sekole ka boimana di gola ka bokete jo bo kalo go supagala fa bokaedi bo santse bo tlhaela mo batsading. Mme Edward o ne a kopa batsadi go nna le seabe se se bonalang mo baneng ba bone ka go nna ba etela sekole le go ba lekodisa ka matshwenyego a botsogo a ngwana gore ba kgone go tshwaraganela bana bao. E ne erile pele fa a amogela batsadi ba baithuti bao ba lokwalo la bone, mogokgo wa sekole sa Maconnell College, Rre Watson Basoli a supa fa sekole se lebanwe ke kgwetlho e tona thata ya mosuke kwa matlo a borobalo a baithuti. Rre Basoli a re matlo ao a diretswe go fa boroko baithuti ba le makgolo a supa le masone mane le bone mme mo nakong ya gompieno go nna ba le sekete, lekgolo le masome a marataro le borobabongwe. A tlhalosa fa go letleletswe baithuti ba le makgolo a robabobedi le masome a mane le bone go dira lekwalo la bone (844) a re palo yotlhe ya go nna 1 695 go kopangwa le ba lekwalo la botlhano. Mogokgo o ile a bolela fa sekole se sa tlhole se dira sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la botlhano jaaka mo dingwageng tse di fetlileng. A gatelela ka gore mo bokopanong jwa bone jwa letsatsi leo e ne e le go tla go ikgata motlhala go bonala gore phoso e dule kae le go aga Maconnell wa pele o o neng a melediwa mathe ke mongwe le mongwe.A gatelela ka gore seo ga se kake sa pala fa ba ka tshwaraganela tiro ya ngwana ya sekole le barutabana, botlhe le ba-na-le seabe. O ile a kgalemelela batsadi mokgwa wa go rekela bana dilo tse di tlaa ba itayang tsebe jaaka megala ya letheka, a re baithuti ba tsaya nako ba le mo maranyaneng a sesha (facebook) ba sa dire tiro ya sekole mme seo se ama maduo a bone. O tsweletse a ba kopa go rotloetsa bana ba bone gore ba itse fa thuto e tla pele fa dilo dingwe di tla kwa morago, ba sena go fetsa sekole. A gatelela ka gore o ila mokgwa o batsadi ba phuaganyang bana ba bone mo sekoleng ba bo ba ya go bonala nako ya maduo a tswa ba tla ka go supa barutabana ka monwana, a re ba tshwanetse go supa seabe sa bone go simolola letsatsi la ntlha ngwana a amogelwa mo sekoleng go fitlhelela a fetsa dithuto tsa gagwe. education 4 Banni ga ba obamele melao Mogolwane wa ofisi ya tsa melao ya dikgwebo, Mme Garry Makwama o ngongoregetse gore morafe ga o obamele melao e. O buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mokhanselara wa Tsienyane Bophirima, Mme Batoli Manyuni bosheng kwa Rakops. Mme Makwama a re Batswana ga ba obamele melao e e amanang le medumo le boitshwaro jo bo botlhaswa, go saila ga loruo mo motseng, thekiso ya nnotagi le dinako tse di beilweng, ga mmogo le melao ya go latlha le go tshuba matlakala. O tlhalosa fa go tlhoka go obamela melao e go na le dikotlhao tse di tshwanang le go lefa, go tseelwa teseletso ya go gweba mme dintsa tse di sailing mo motseng e bile di senya tsone di ka bolawa, fa dikoko di ka rekisiwa ka palabalo. Mokhanselara Manyuni o boletse fa madi a dikago a SHHA a okeditswe go tswa kwa go P60 000 go ya kwa go P90 000 fa madi a tlhabololo ya malwapa le one a okeditswe go tswa kwa go P45 000 go ya kwa go P60 000. O ne a opela puso legofi ka maiteko a go ntsha setshaba mo lehumeng. Fa a bua ka kgang e e tshwentseng banni ba Rakops ka lobaka e e amang metsi a a nkgang bosula, Mme Manyuni a re koporase ya metsi e mo solofeditse fa ba tlaa nosiwa metsi a a kopilweng kwa Lesotho le Zambezi mo bosheng. O ne gape a tlhalosa fa ba epetswe didiba tse disha di le pedi, sa metsi a a nkgang se emisitse go dirisiwa. Mokhanselara o ne a solofetsa banni fa badirelapuso le bone jaanong ba letlelelwa go itirela dikgwebo. A re mme ba tshwanetse go ikopela ka mokwalo gore ba kgone go rebolwa ke bagolwane. O boletse fa ba-na-le bogole ba simolotse go fiwa makgolo a mararo a pula ka kgwedi, mme a re seo ke sesupo sa gore puso e na le tlhokomelo le lorato mo setshabeng jaaka letshego lengwe la tebelopele ya 2016 le bua. O ne gape a supa fa Rakops a tlaa tsisediwa babereki ba puso go ba tsisesa ditlamelo fa go sena go agwa matlo a bonno. Mme Manyuni a re bana ba ba dingwaga tse di lesome le borataro go ya kwa go tse di masome mabedi le bone ba tlaa tlhatlhobelwa HIV mme batsadi ba bone ba itsesiwe maduo ka go supegile fa dipalo tsa bana ba dingwaga tseo ba ba nang le mogare e le lesome mo lekgolong mo basetsaneng le bone mo lekgolong mo basimaneng. Morafe o ne wa ntsha matshwenyego a one mme mokhanselara a ba solofetsa go a isa khanseleng Phatwe a ya fifing. society 9 Banni ba lela ka temo ya ditselana Banni ba Matshumo mo kgaolong potlana ya Boteti ba lela ka lenaneo la go lema ka ditselana. Ba re le mororo dipula tsa mono ngwaga dile boutsana lenaneo la go lema ka ditselana le lone le nniile le seabe se segolo, mme ba kgoreletsegile go lema ka ntata ya tlhaelo ya digogi. Ba ntshitse selelo sa bone kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Sethomo Lelatisitse bosheng. Banni ba boletse fa ba sa kgona go lema ka lebaka la tlhaelo ya ditereke le go lopa madi a peeletso ke beng ba diterekere. Rre Goitumetsemang Masenya ene o supile gore ga ba kgona go lema ka lebaka la lenaneo la go lema ka ditselana , are ba kabo ba filwe dingwaganyana go le ipaakanyetsa,o bile a re ga ba jesiwe diwelang ke bogodu jwa leruo , le areng le jelwa kwa Letlhakane. Banni bare ba kopa gore tsela ya Mmatshumo/Mosu go tsena kwa kgorong ya mathoko a leruo ya Thalamabele e tsengwe sekontere, le ya Mmathumo Thabatshukudu le Gweta e baakangwe. Mopalamente o ne a lebogela tlhopho le mo boemong jwa ga Tautona ,a re jaanong puso e bopile se se setseng ke go tsweledisa mananeo le ditlhabololo.o bile a ba lekodisa ka tse di buileng ko palamenteng ee fitileng ,tse diakaretsa go ntshiwa ga lekgetho mo dijo le mo didirisiwe tsa temo. O ba tlhaloseditse ka thulaganyo ya gore go sene le ngwana ope yo o ganelwang ka setakana ka go bo a kolota sekole, a re thulaganyo ke gore bana ba neele ditankana ,batsadi batla sala ba buisa le sekole gore batla duela dikoloto jang. O buile gape ka molawana kakanyetso wa dikereke, gore ka puso itshwetse ke dintwa tsa go thubega ga dikereke ,le go gola ga tsone go okediwe dipalo tsa maloko aka kwadisang kereke, gotswa mo go lesome gona makgolo a mabedi le masome a matlhano. O boletse gore lenaneo la ditlhabololo NDP10 le atolositswe ka ngwaga gore go wediwe ditlhabololo tse dineng disaletse ko morago ,le gore le wele le tebelopele ya lefatshe leno,la NDP11 le bo le simolola le tebelopelo e ncha. Mopalamente o ne a akgola barutabana ba sekole se se botlana sa Mmatshumo, mmogo le batsadi ka maduo a amantle a sekole sa bone, a a reng a supa fa batsadi ba tshwaraganetse thuto ya bana ba bone le barutabana.O ne gape gakolola banni gore Tona wa Temothuo o rotloetsa balemi ba ditonki go lema ka ditselana. Rre Lelatisitswe o ne a gakolola batho ba ba thusitsweng ka mananeo a puso go a tlhokomela ,a re ga ba ka ke ba thusiwa gape ka go thusiwa ba bangwe ba ba kopileng. Rre matshwenyego Baganetseng o atile malawana wa dikereke ,a re ba tshwengwa ke batswakwa ba ba reng ke baruti ,ba tsietsa Batswana ba gweba ka leina la boruti, ba dirisa bana ba basetsana. BOKHUTLO society 9 Go tlhokafatse ba le bane Go tlhokafetse batho ba le bane mo kotsing ya tsela fa sekganeding sa tsela sa mapodisi kwa Dibete ka Matlhatso mo mosong. Mo potsolosong, ramapodisi wa Dibete, Superintendent Phineas Makwaeba, a re tiragalo eo e diragetse mo mosong ka nako ya botlhano. Superintendent Makwaeba a re batho ba le bane ba ne ba tlhokafalela gone foo fa ba le babedi ba ne ba ragosediwa kwa dipateleng tsa Nyangagwe le Mahalapye ka dikgobalo tse di masisi. A re dikoloi tsotlhe di ne di tswa bokone di lebile kwa borwa. O tlhalositse fa khombi e go belaelwang e ne e nale bapalami ba le barataro e ne e eme fa letshwaong la tsela e emetse go fetisiwa ke ba sepodisi fa koloi ya modiro wa Toyota Hilux e ne ya tla ka lobelo le le kwa godimo mme ya thula khombi eo kwa morago mme tsa pitikologa tsa kapa molelo ka bobedi. A re ba ne ba kgona go tima koloi fa khombi yone e ne ya a sha ya ba ya lora, fa bapagami ba le mo teng, mme ba le babedi ba kgona go falola ka dikgobalo tse di masisi. Superintendent Makwaeba a re mokgweetsi wa koloi eo ya Hilux, ke mme wa dingwaga tse di masome a mabedi le borataro, mme ene o ne a bona dikgobalo tse di potlana. Ditlhotlhomiso tsa mapodisi di sa ntse di tsweletse. Superintendent Makwaeba o ne a gakolola bakgweetsi go obamela matshwao a tsela ka dinako tsotlhe, go tsamaya ka lebelo le le lekanetseng, go emisa go iphitisa dino le go ikhutsa fa ba lapile. O ne a tlhalosa gore dikotsi tsa tsela ka bontsi di ka fokotsega fa bakgweetsi ba ikela tlhoko mo ditseleng go babalela matshelo a ba bangwe le a bone. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Lephata le tsibogela letlhoko la diofisi Lephata la merero ya tsamaiso lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopho ya metsi a a leswe le abetse setlhopha sa ‘He Chelago’ caraven go fokotsa letlhoko la diofisi. Setlhopha sa ‘He Chelago’, se tumile ka go thusa morafe ka ditirelo tsa botsogo mo tikologong ya Kgalagadi Bokone. Fa a rola caraven eo semmuso kwa Lehututu bosheng, mothusa tona wa lephata la tsamaiso merero ya lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopho metsi a a leswe, e bile e le mopalamente wa Kgalagadi Bokone, Rre Itumeleng Moipisi, o tlhalositse fa lephata la gagwe le tswa kgakala le otlolotse letsogo. A re o dumela fa mpho ya caraven le di dirisiwa tsa yone, e le sekao sa gore lephata la gagwe le a kgathala e bile le tsibogela letlhoko la setshaba, jaaka le sa ipona tsapa go thusa ba setlhopha sa ‘He Chelago’ mo Lehututu. O ne a akgola setlhopha seo go dira ka bonatla le mororo ba ne ba lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la diofisi le ditlamelo tse di ka ba kgontshang maikemisetso a bone. O supile fa ka boammaaruri caravan eo e tlaa ba thusa go tokafatsa ditirelo tsa bone. Mothusa tona o ne a tlalaletsa ka go bolela fa go le maleba gore lephata le tsenye letsogo go godisa serodumo sa botsogo ka jaana selo seo se ka thusa le gone go rotloetsa setshaba go nna le kgatlhego mo go tsa merero ya tshomarelo metsi. Rre Moipisi o tlhalositse fa botsogo jo bo itekanetseng bo ofa batho sebaka sa go nna le nako, maatla le kgatlhego ya go tsenya letsogo mo ditirelong tse di farologanyeng go ka tokafatsa matshelo a bone. Rre Moipisi o ne a lebogela kemo nokeng go tswa kwa boeteledipeleng jwa motse, le morafe ka kakaretso e ba e neetseng lephata la gagwe mo tirong eo gore e atlege. O ne gape a akgola bogogi le bodiredi jwa lephata la metsi ka kakaretso ba ba nnileng le seabe mo go baakanyetseng tiro ya mofuta oo, le go bo ba ne ba tsibogela kopo ya setlhopha sa ‘He Chelago’. A re se se dirilweng ke ba lephata la gagwe, ke sesupo sa gore fifing go tshwaranwa ka dikobo, a gatelela gore tirisanyo mmogo ke yone konokono ya go fitlhelela dikeletso tsa setshaba. Mo go tse dingwe, o ne a rotloetsa morafe wa Lehututu go dirisa mpho eo, ka fa tshwanelong, le go e fa tlhokomelo e e nitameng. Fa a tswa la gagwe, mookamela lephata la metsi, Mme Bogadi Mathangwane o tlhalosiste fa tiro ya go aba e se tiro e e motlhofo ka jaana madi e le one sekgoreletsi. A re le fa go le jalo, ba ne ba seka ba ipona tsapa, mme ba tshwaragana e le bodiredi go araba selelo sa ‘He Chelago’. BOKHUTLO society 9 Ba kopa gore mogokgo a belesediwe Makhanselara a kgaolo-potlana ya Letlhakeng ba dumalane tshutiso ya gore mogokgo wa sekole se segolwane sa Mphuthe a fudusiwe kwa sekoleng seo. Tshutiso e e ntshitswe ke mokhanselara wa Ditshegwane/ Maboane, Rre Tsabahule Kgotlhang, fa a akgela mo mafokong a ba a beilweng pele ke modulasetilo wa khansele- potlana ya Letlhakeng, Rre Tlotlo Batlhophi ka Mosupologo. Makhanselara ba supile fa go na le tlhokakutlwisisano fa gare ga mogokgo le barutabana, selo se ba bolelang fa se tlaa ama maduo a bana. Mokhanselara wa Letlhakeng borwa, Rre Opaletswe Mogolwane, o ne a supa fa go na le kgotlhang fa gare ga mogokgo, barutabana le bana, a supa fa kgang e e kile ya bilediwa molaodi wa Kweneng, Dr Themba Mmusi mme go sena phetogo epe. O supile fa batsadi ba tshosetsa barutabana, selo se a supileng fa se dira gore ba seka ba nna ka phuthologo. O supile fa go ntshitswe barutabana ba roba bongwe kwa sekoleng seo, mme ba ise ba emisediwe ka ba bangwe. Mokhanselara wa Ngware, Rre Ontatlhile Selatlho, o ne a supa fa matlo a barutabana kwa Diphuduhudu a phephetha, selo se a supang fa se dira gore ba sulafalelwe ke go berekela kwa kgaolong ya bone. Mokhanselara wa Motokwe, Mme Beauty Bogale, o ne a supa fa go sena mogokgo le mothusi wa gagwe kwa sekoleng sa Tshwaane, a supa gape fa go na le tlhaelo ya barutabana kwa sekoleng seo. O supile fa tota mo kgaolong ya gagwe dikole tsotlhe di na le tlhaelo ya barutabana, a supa fa setlha sa ntlha se fetile go ntse fela jalo. O ne a ntsha mogopolo wa gore fa go na le phatlha kwa dikoleng tseo, go tlhatlosiwe maemo ba ba supileng kgatlhego ya go berekela teng, go na le gore go ye go batlwa batho ba sele ba ba neng ba ntse ba sena kgatlhego ya go berekela kwa kgaolong eo. Mokhanselara wa Salajwe, Rre Lopang Sebutlenyane, o ne a kopa tlhaloso ya gore matlwana a borutelo le ntlo ya maranyane a ba neng ba a solofeditswe gore a tlaa dirwa ka lenaneo la ESP kwa sekoleng sa Lempu a bokgakala bokae. Fa a ba kgwa dikgaba, mogolwane wa lephata la thuto, Rre Magwaile Khao o ne a supa fa sekole sa Lempu se sa akarediwa mo lenaneong la ESP monongwaga, mme a supa fa gape ba na le matshwenyego a gore bana ba sekole sa Lempu ba senya dikago, a supa fa ba kgona go ntsha mabati le difensetere, a bo a kopa baeteledipele gore ba thusane go kgalemela bana. O supile fa ba ne ba kgona go dira thuto-puisanyo kwa sekoleng sa Mphuthe go leka go sidila barutabana maikutlo le go ba ruta botlhokwa jwa go dira mmogo. Rre Khao o supile gape fa ba tsere tshwetso ya gore fa ba fudusa morutabana kwa sekoleng, ba mo emise pele go fitlhela ba netefatsa gore yo o mo emelang o tlaa goroga. O supile fa ba lemogile gape fa ba fudusa barutabana ka bontsi ka nako e le nngwefela, selo se se felelang se dira gore go nne le diphatlha di le di ntsi. BOKHUTLO society 9 Kgang ya bogosi jwa Ratholo e marara Fa e sale kgosi wa Ratholo, Kgosi Molefe Mangadi a tlhokafala ka kgwedi ya Mopitlo ngwaga o o fetileng, ga go ise go bewe kgosi kwa motseng oo. Mo potsolotsong, kgosi wa Majwaneng, Kgosi Gomolemo Molebatsi a re kgang ya bogosi jwa Ratholo e marara ka jalo e santse e tlaa rarabololwa. A re e ne ya re dikgwedi morago ga Kgosi Mangadi a sena go tlhokafala, a rongwa kwa Ratholo go ya go ba kopa gore ba ithulaganye ba bone gore ke mang yo o ka nnang kgosi.A re dikgotla tsotlhe tse di akaretsang ya Bogopa, Moipei, Mangadi, Ratholo, Botalaote le Mokaanyane tsa bolela fa bogosi bo di lebagane. O tlhalositse fa dikgotla tsa Botalaote le Bogopa di dumalana le ba kgotla ya Ratholo gore bogosi ke jwa Ratholo mme ba dikgotla tsa Moipei, Mangadi le Mokaanyane ka bongwe ka bongwe ba re bogosi bo ba lebagane. Kgosi Molebatsi a re ba tlhalositse fa moswi Kgosi Mangadi e ne e le setlogolwana kwa Ratholo mme a tlholega kwa Tumasera ka jalo bogosi bo ne bo sa mo lebagana mme ba batla gore dilo di tlhamaladiwe. A re kgang e nngwe e e buegang ke gore dikgosi tsotlhe tse di busitseng di ne di tlholega kwa kgotleng ya Ratholo ka jalo bogosi ke jwa kgotla eo. Kgosi Molebatsi okopile gore kgang ya Ratholo e fediwe ka bofefo.BOKHUTLO society 9 Rre Matlou o itshetsa ka go tshwara ditlhapi Batswana ba le bantsi ba tsweletse ka go iphataphatela. Se se supilwe mo puisanyong bosheng ke Rre Boiki Matlou go tswa Malolwane, yo o tlhalositseng fa a tshwara ditlhapi mo nokeng ya Madikwe go tswa kwa Mmathubukwane go ema kwa Ramonaka. A re gape o di tshwara mo nokeng ya Limpopo kwa Oliphant Drift le Ramotlabaki. Rre Matlou o boletse gore lerato la gagwe mo tlhaping le ne la dira gore a simolole go tshwara ditlhapi mo dinokeng tse. A re o ne a simolola kgwebo ya go tshwara ditlhapi ngwaga tse di lesome morago ga go reka mokoro mo monning mongwe wa Mochudi. A re ka ditlhapi tse di mo dinokeng tse di se dintsi go le kalo jaaka mo dinokeng tse di tshwanang le tsa Chobe le matamo a matona, o kgona go tshwara ditlhapi mme a di rekisetse batho ka bongwe ka bongwe. O kaile fa bontsi jwa batho ba di reka ka ditlhwatlhwa tsa gagwe di se kwa godimo. A re madi a kgona go mo thusa go reka tse a di tlhokang kwa lwapeng, mme se se mo fe kgothatso ya gore a nne a tswelele. Rre Matlou o tlhalositse fa a na le keletso ya go ka rekisetsa ba dikgwebo mme ka mabaka a gore ga a na ditlamelo tse di siameng gape le gore ditlhapi ga di dintsi thata, maiteko a santse a pala. O kaile fa nako dingwe fa batho ba tsile go iphokisa phefo fa nokeng, ba tle ba palame mokoro wa gagwe ntleng le dituelo. A re o na le toro ya go ka tswakanya kgwebo ya gagwe ka go reka mokoro o motona o a ka kgonang go pega batho ba le bantsi, mme a itebagantse le go pega bajanala. O tlhalositse gore bontsi jwa batho ba simolotse go lemoga fa dinoka tsa Madikwe le Limpopo kwa Oliphants Drift di na le mafelo a a kgatlhang leitlho, ka jalo se se ka mo thusa fela thata. Mo go tse dingwe, Rre Matlou o boletse fa a na le khamphani e e bidiwang Fish and Veggies e a e tlhamileng dingwaga tse di lesome tse di fetileng. A re o na le tshingwana ya morogo kwa Ramotlabaki kwa a lemang merogo, mme a e rekisetsa batho ka bongwe ka bongwe. O kaile fa gantsi a batla badiri ba nakwana go mo thusa mo tshingwaneng, bogolo jang fa go na le tiro e ntsi. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Nteletsa II ga e dire sentle kwa Dikgonnye Lenaneo la Nteletsa II le le diretsweng go gokaganya metse e e kgakala le ditlamelo ka ditlhaeletsanyo ga le dire sentle kwa motseng wa Dikgonnye. Motshwara madi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Dikgonnye Mme Lucy Palai a re e sale ba fiwa ofisi eo ya nteletsa II ka 2010, maranyane a internet ga a ise a dire sentle mme seo ke poelo morago mo motseng wa bone. A re ba ikuetse kwa go ba Botswana Telecommunications Corporation mme ga go nko e tswang lemina le fa bangwe ba bone bakile ba tla kwa go bone go lekola gore ba dira jang. Mme Palai o ne a supa fa e rile ka ngwaga wa 2012 bangwe go tswa kwa ofising ya BTC ba tla go tsaya sebalamakgolo sa internet mme ba sale ba ile ka yone nako eo. A re mo nakong ya gompieno ba emetse dithuso go tswa kwa ofising eo mme a supa fa e ene yare mo malobeng ba bangwe ba tla go ba lekola mme ba supa fa ba tla sala kgang eo morago ba sa itse fa moleta kgwedi a letile lefifi. Palai o ne a supa fa ka nako e ditlhaeletsanyo tseo di neng di bereka sentle go ne go le motlhofo go dira meriti ya Omang le go ntsifatsa tse dingwe mme e bile batho ba sa sokole ka go tsaya mosepele ba ya Mochudi go dira dilo tseo. A re mo nakong ya gompieno banni ba motse oo ba sokola ka jaana ba ya Mochudi go dira meriti le go ntsifatsa dipampiri. Mme Palai o ne a supa fa fax le motshine o o ntsifatsang di sa dire ka lebaka la go tlhoka pente ya one mme ka jalo ba sokola fela thata. A re e ntswa sebalamakgolo se sengwe se bereka ga gona gore ba ka printa jang ka motshine o o le one o batla pente. A re e ka jaana bontsi jwa bone ba sa itse sentle gore mengwe ya metshine eo e bereka jang go botlhokwa gore ba rutwe gore ba tle ba kgone go thusa setshaba sentle. Mme Palai o ne a kopa ba kompone ya BTC go ba tswa thuso ka jaana banana ba sokola go batla dingwe mo dibalamakgolong ka go sena maranayane ao a internet. society 9 Mokgatlho o simolola dikgaisano Mokgatlho o o tlhamilweng ke banana ba Mahalapye wa We Are One Family o simolotse dikgaisanyo tsa mmino, poko le moopelo. Dikgaisano tseo di tlaa simolola ngwaga o o tlang Hirikgong a tlhola malatsi a le boferabobedi kwa Mahalapye. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, moeteledipele wa mokgatlho o, Rre Keotshephile Ntwaetsile, o boletse fa dikgaisano tseo di tlaa tshwarelwa mo mafelong a le lesome mo Botswana go simolola ka Mahalapye. A re mofenyi mo lefelong lengwe le lengwe le dikgaisano tseo di tlaa tshwarelwang teng o tlaa nna le sebaka sa go gaisana le bafenyi ba bangwe mo dikgaolong tse dingwe ka makgaola kgang. Rre Ntwaetsile o tlhalositse fa maikaelelo magolo a dikgaisano tseo e le go godisa talente ya banana gore ba tle ba kgone go itshetsa ka yone ga mmogo le go ntsha banana mo mekgwatheng gore ba seka ba raelesega go inaakanya le nnotagi le borukutlhi. O tlhalositse fa mokgatlho wa bone o bapatsa dikgaisanyo tseo thata ka maranyane a Facebook mme banana bangwe ba setse ba supile kgatlhego ya go tsenelela dikgaisanyo tseo. O ne a tswelela ka go tlhalosa gore barulaganyi ba dikgaisanyo tseo botlhe ke baopedi.Rre Ntwaetsile o tlhalositse fa ba le mo letsomong la barotloetsi mme go setse go na le barotloetsi ba ba supileng kgatlhego ya go rotloetsa dikgaisanyo tseo. Rre Ntwaetsile o rotloeditse banana go tsena dikgaisano tseo ka dipalo tse di kwa godimo. arts_culture_entertainment_and_media 0 Go roka go tshetsa Phiri E re ka jaana lefatshe leno e le lengwe la a amilweng ke kwelo tlase ya itsholelo, bangwe ba Batswana ga ba eletse go nna mo lehumeng mme ba tsweletse ka go itirela dikgwebo, selo se puso e se rotloetsang. Mme Seitlhedi Phiri wa dingwaga tse di masome matlhano le borataro, wa kgotla ya Makgophane, kwa Mochudi, ene o itshetsa ka go roka, e le ka fa a tlhokomelang ba lelwapa la gagwe ka teng. Fa a bua mo potsolosong, Mme Phiri o tlhalositse fa ba lekalana la FAP e le bone ba neng ba mo abela bomatshine ba ba rokang ka 2001. A re pele a itshimololela kgwebo o ne a thapilwe ke ba madirelo a Somarela Firms kwa Pilane, a tlhalosa fa ba ne ba rokela madirelo a Primier. A re o kile gape a direla khamphani ya Camp & Carpents mme morago ga go berekela dikhamphani tseo ka lobakanyana, o ne a tlogela tiro mme a tsaya tshwetso ya go itshimololela madirelo. Mme Phiri o supile fa a ne a ithuta go le go ntsi ka nako ya fa a berekela dikhamphani tsa go roka mme ka moo go ne ga nna motlhofo gore a itlhamele e e leng ya gagwe. A re kgwetlho e tona e ne ya nna kgwebo e e tsamayang ka bonya le ntswa Batswana ba ne ba mo eme nokeng, bogolo jang ka a roka diaparo tse dintle. O tsweletse a supa fa a roka dilwana tse dintsi tse di akaretsang mesese ya manyalo, diaparo tsa bomme le borre, mealo le matsela a matlhabaphefo. A re kgwebo ya gagwe e sa ntse e direla mo lapeng, a tlhalosa fa a na le keletso ya go e atolosa mme sebe sa phiri e le go tlhoka ditsompelo. O ne a tlhalosa fa bontsi jwa batho ba ba rekang dilwana tsa gagwe e le ba ba tswang mo metseng e e mabapi, e e akaretsang Artesia le Malolwane. Mme Phiri o supile fa a kile a inaakanya le ba ofisi ya nyeletso lehuma mo kgaolong ya gagwe go mo thusa ka matsela, a kaya fa e le one a sokolang go a bona, mme a tlatsa ka go tlhalosa fa le dipoelo tse a di dirang di se kalo, go ka mo thusa go ithekela matsela. A re kopo ya gagwe e ne ya seka ya atlega kwa ofising eo, a tlatsa ka gore seo ga se na go mo kgoba marapo, o tlaa ikopanya le makalana a mangwe go kopa dithuso. O ne gape a supa fa a kile a ikopanya le bomme ba bangwe gore ba itirele mokgatlho gore ba kgone go ya go kopa ditlamelo kwa makalaneng a a ka thusang bomme mme o ne a supa fa bangwe ba le maoto a tshupa. Mme Phiri a re keletso ya gagwe ke go abelana kitso ya gagwe le ba bangwe, segolo thata banana ba ba sa berekeng le ba ba sa dirang sentle mo mophatong wa boraro gore le bone ba kgone go itirela se ba tlaa itshetsang ka sone. Mme Phiri o tsweletse a supa fa a sa tsena sekole mme seo se sa mo kgoba marapo ka jaana o na le talente ya go roka. O ne a supa fa a kile a abelwa ditlankana tse pedi kwa khamphaning e a neng a direla kwa go yone kwa Pilane, tse di supang fa a na le bokgoni jwa go roka. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Setlhopha sa Thokgamo se abela sekole Setlhopha sa khwaere ya Thokgamo kwa Tonota se abetse sekolo se se potlana sa Semotswane dijo le madi a a ka tshwarang dipula di le dikete di le pedi go ithusa mo moletlong wa kabo dietsele oo tla tshwarwang kgwedi eno e le lesome le bone. Mothusa mokwaledi wa khaere eo, Mme Oatametse Nkwamba a re maikaelelo a magolo e ne e le go aba dikhomputara. Mme Nkwamba o tlhalositse go re e re le ntswa ba sa atlega ka mabaka a go tlhoka madi fale le fale, seo ga se kitla se ba kgoba marapo mo maitlamong a bone. O rurufadiste gore ngwaga e tlang ba tsile go abela sekole seo dikhomputara, a tlatsa ka gore tsholofelotso ga e tlhabise ditlhong. Mme Nkwamba a re ba gwetlhilwe ke go bona maduo a bana a wela tlase ngwaga le ngwaga mme a re ka thotoetso ya maranyane a segompieno se se tla a ba kgothatsa go tsenya marapong dinameng. A re ba ipeetse seelo sa go aba ngwaga le ngwaga, ka ba gwetlhilwe ke lengwe la matshego a tebelopelo pele ya lehatshe ya 2016, a go nna sechaba se se kutlwelo-botlhoko mme le bone ba tshwanelwa ke go tsaya karolo. Mothusa mokwaledi o tlhalositse fa ngwaga e e fetiling ba ne ba abela mme mongwe ntlo kwa Mmandunyane, a tlatsa ka gore ba tsile go tswelela fela ka mowa oo wa kutlwelo-botlhoko. Fa amogela dilwana tseo, mogokgo wa sekole Mme Grace Selalame a re dilwana tseo di tla a ba thusa fela thata ka ebile bane ba tlhaelelwa mo tirong ya bone. A re sekole seo, se se butsweng ka ngwaga wa 2002, se tla se dira fela sentle mo maduong mme o tlhalositse gore go simolola ka ngwaga wa 2008 le 2009, maduo a ne a wela tlase ka masome a borataro le bone mo lekgolong, mme a ne tswelela fela jalo go fitlhelelela ngwaga e e fitileng. Mogokgo a re ba bone go tshwanela gore ba dire moletlo wa kabo dietsele go leka go rotloetsa bana go tsholetsa maduo. Mme Selalame o buile gore morago ga kabo dietsele ya ntlha, go ne ga nna le diphethogo mo maduong ka koketsego ya masome a robabobedi mo lekgolong. A re batsadi ba supile kgatlhego ya go bereka le bone mo diphuthegong tsa sekolo, a tlatsa ka gore le bone e le barutabana ba tsenelela diphuthego tsa motse, ka jalo a re seo se ba tshwaragantse thata. Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana Mme Pontsho Mongwewarona o lebogetse dilwana tseo ka boitumelo jo bogolo le go ba fa masego le matlhogololo ka tiro e ntle e ba e dirang ya go thusa setshaba.BOKHUTLO education 4 Thuto e ka fokotsa lehuma Molomaganya ditiro tsa lenaneo la nyeletso lehuma mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Samuel Rathedi, a re thuto ke konokono go thusa go lwantsha bothata jwa lehuma mo setshabeng. Mo thuto-seka-dipuisanyong ya letsatsi, e e neng e rulaganyeditswe batsadi ba baithuti ba ba nnang mo motsaneng wa Leologane, kwa sekolong sa Shadishadi, mo kgaolong ya Kweneng, Rre Rathedi o ne a supa fa tlhabololo ya itsholelo ya lefatshe e laolwa ke seemo sa thutego ya batho ba lone. A re ke maikaelelo a puso go bona matshelo a Batswana a fetogile, a supa fa seo se ka kgonwa ke fa bana ba ka tsaya maikarabelo mo thutong ya bone. A re go botlhokwa go batla modi wa se se ka tswang se baka bothata jo bo jwelelang jo, e leng botlhoka tsebe jwa baithuti; a gakolola fa kgang e se fela gore bana ga ba utlwe; mme botlhokwa e le go latedisa se se ka tswang se baka bothata joo. A re o dumela fa dikgang tsa botlhoka tsebe jwa baithuti di farologanana go ya ka dikolo; ntlha e ka dirwang ke seemo se baithuti ba iphitlhelang ba le mo go sone, ka jalo tharabololo ga ya tshwanela go nna e go ka tweng e tshwanetse botlhe ntswa go na le dipharologano. O gwetlhile batsadi kwa kgaolong eo, ba bontsi jwa bone ba tswang kwa motsaneng wa Leologane gaufi le motse wa Sojwe, go tsaya boikarabelo jwa go tlhomamisa gore seabe sa bone se a bonala mo kgodisong ya bana ba bone. Mothusa mokwaledi wa khansele ya Kweneng, Rre Mosiakgabo, o kopile bogogi jwa sekolo sa Shadishadi go se kgojwe marapo ke dikgwetlho tse ba kopanang natso mo tirong ya bone, mme ba di dirise go batla tharabololo ya bothata jo bo teng. E rile a ba lekodisa ka dikgwetlho tse sekolo se lebaneng natso, mogokgo wa sekolo sa Shadishadi, Mme Sister Matenje, a supa fa botlhoka tsebe jwa baithuti kwa sekolong seo e le sengwe se se sa ba robatseng, ka e bile go akaretsa tshenyako ya dithoto tsa puso. A re sekolo seo se se nang le baithuti ba le 302 ba ba nnang mo sekolong, mo go ba le 472; fela jaaka bontsi jwa dikolo tsa mofuta oo, se tshabelelwa ke bothata jwa go ngwega kana go thoba ga baithuti; go dirwa ke go tlhwaafalela batsadi ga bana ka ba sa ntse ba le mo seemong sa go kabo ba nna kafa tlase ga tlhokomelo ya botsadi. BOKHUTLO education 4 Go amusa ka lebele go botlhokwa mo kgodisong ya ngwana Go amusa ka lebele go kailwe go le botlhokwa thata e bile e le konokono mo kgodisong ya losea. E rile a bua mo potsolotsong le A re maši a lebele a na le dikotla tse di botlhokwa di le dintsi, mme ebile dikotla tse di thusa mo go goleng ga ngwana le go mo sireletsa mo malwetsing, a tlatsa ka go re go supagetse fa bana ba ba anyang lebele ba sa tshabelelwe ke malwetsi fa ba tshwantshiwa le ba ba sa anyang lebele. Mo godimo ga moo, Mme Sebego o tlhalositse fa kamuso ka lebele e rotloetsa botsalano fa gare ga losea le mmaalo, mme se se dire gore losea le gole ka boitumelo. A re maši a lebele a sireletsegile go menagane ka a sena selabe, e bile mogote wa one ele o o lekanetseng losea, a tlatsa ka gore maši a lebele ga a rekwe ebile a nna a le teng ka nako tsotlhe, ka jalo mmangwana mongwe le mongwe kwa ntle ga yoo nang le malwetsi mangwe jaaka mogare wa HIV kgotsa kankere ya lebele a rotloetswa go amusa ka lebele. A re go botlhokwa gore ngwana a amusiwe kgwedi tsa ntlha tse thataro a sa jesiwe dijo dipe tse dingwe, mme morago ga moo a ka kopanyetswa le go jesiwa dijo tse di sa omelelang ebile di le dikotla tse dintsi jaaka mae, dibanana, ditapole tse di bidisitsweng le tse dingwe. A re ngwana o ka amusiwa go fitlhelela a nna ngwaga tse pedi go netefatsa gore o gola a itekanetse e bile a bona dikotla tsotlhe tse di tlhokafalang mo go goleng ga gagwe. A re mmangwana o tshwanetse go ja dijo tse di ka oketsang maši mo lebeleng di akaretsa motogo, mogodungwana jalo jalo. A re bommabana ba ba amusang ga ba a tshwanela go nwa nnotagi kgotsa go dirisa diritibatsi tse di borai di tshwana motokwane, cocaine le tse dingwe ka di ka fetela kwa loseeng ka maši a lebele ka nako ya kamuso. O gateletse fa bomme ba ba amusang ba tshwanetse go gololwa ka nako kgotsa ba fiwe nako ya go ya go amusa kwa ditirong. Gape a re mmangwana o ka gamela maši a lebele mo mabotlolong a a phepa a bo a a tsenya mo setsidifatsing gore ba ba salang mo lwapeng ba sale ba a siela ngwana, mme a re maši ao a tshwanetse go nna mo botsididing jo bo lekanetseng. Mme Sebego o kgadile bommabana ba ba tshabang go amusa ka tumelo ya gore go ka ba diga mabele, a re ga gona se se ntseng jalo. O kopile borre go nna le seabe mo go netefatseng gore bommabana ba amusa bana ka fa tshwanelong ka go ba rotloetsa le go ba ema nokeng mme a konotelela ka go tlhalosa fa go le botlhokwa gore bommabana ba rutwe ka mosola wa kamuso ka lebele. health 6 Ditonki di tlhoka tlhokomelo Balemi-barui ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba gwetlhilwe go tlhokomela ditonki ka le tsone di supile fa di na le boleng. E rile a bua ka letsatsi la mafatshefatshe la dijo kwa dipolaseng tsa Nyangani kwa Kalakamati bosheng, mothusa tona wa tlhabololo temo le pabalesego ya dijo, Rre Kgotla Autlwetse a supa fa bosheng tonki e kaile fa e ka isa itsholelo ya lefatshe leno golo gongwe, ka jalo a rotloetsa balemi-barui go e baya leitlho le go e tlhokomela fela jaaka kgomo. A re tonki e ka thusa go tlhabolola magae, ka jalo tlhokomelo ya yone e botlhokwa. Rre Autlwetse a re go fitlhelela maitlamo a tebelopele ya setshaba ya 2036, puso e ne ya tlhama mananeo go rotloetsa pabalesego ya dijo a akaretsa ISPAAD, LIMID le a mangwe a nyeletso lehuma go thusa ba ba ’kobo dikhutshwane. O supile fa temo-thuo e le yone konokono ya itsholelo, segolo jang mo go ba ba nnang kwa metseng e e kgakala le ditlamelo, a tlatsa ka go re bontsi bo ka itshetsa ka yone go ntsha dijo le go tlhama mebereko. A re Batswana ba tshwanetse go inaakanya le temo go fedisa lehuma. A re temo ya merogo le maungo e dira bontle, a re Batswana ba robile dinawa mo go nametsang mo pakeng tse pedi tse di fetileng tsa temo. Seo a re se a itumedisa ka ba ne ba kgona go rekisetsa mafatshe a a mabapi go dira letseno. Rre Autlwetse a re dingwe tsa dikgwetlho tse di gogelang thobo tlase ke go sa dirisiweng sentle ga lefatshe le le abetsweng go dira tsa temo-thuo, phetogo ya loapi, malwetse le diji. A re le fa lephata la gagwe le dira bontle mo go tse dingwe, ga ba jesiwe diwelang ke dipalo tse di kwa tlase tsa dikgomo tsa mashi mono gae. Rre Autlwetse a re go santse go na le tlhaelo e tona ya mashi, a supa fa kgomo e le nngwe e ntsha dilithara di le lesome le botlhano ka letsatsi. O tlhalositse gape fa lefatshe le le santse le na le loeto lo loleele go ikemela go ntsha mashi, a tlatsa ka go re mashi a le lesome mo lekgolong a dirwa mono gae mme seo se sa lekane ka go santse go tlhokafala dikgomo tsa mashi di le dikete tse di lesome go ntsha segolo dilithara tse di masome a mabedi tsa mashi kgomo nngwe le nngwe ka letsatsi. O tlhalositse gape fa go tlhagoga ga bolwetse jwa tlhako le molomo kwa Ngami go gogetse morago madirelo a nama e bile go beile matshelo a barui ba kgaolo eo ga mmogo le yone itsholelo ka fa mosing. A re Botswana o itlamile go dira ka gotlhe go lwantsha le go ritibatsa bolwetse joo. O kopile tirisano mmogo le kemo nokeng ya botlhe go thusana le puso go lwantsha seemo se. A re e re ka dijo di le botlhokwa mo mebeleng ya batho, Batswana ba tshwanetse go nna kelotlhoko mo go tse ba di jang. A re ba ikgaphe mo go jeng dijo tse di tswang mo masimong a a tshetsweng melemo phetelela go bolaya diji ka seo se ka nna borai. Moeteledipele wa mokgatlho wa temo ya thekiso, Rre Rasebolai Kgamane o tlhalositse fa temo e le bogadi bogaufi go ka tshetsa bangwe. “Le seka la inyatsa fa le dira tiro ya go lema,” a latlhela. E re ka go twe wa esi ga o ele, Rre Kgamane a re balemi ba tshwanetse go emana nokeng, go tlhama mekgatlho ga mmogo le go rotloetsa e e teng gore ba kgone go thusana go emelelana le dikgwetlho. O rotloeditse balemi go tia moko ka e le bone pinagare ya itsholelo ya lefatshe. BOKHUTLO environment 5 Motshelo o tlodisa Tshwene melatswana E setse e le tlwaelo gore bomme mo mafelong ka go farologana ba ipope go thusana botshelo ka metshelo. Mongwe wa bomme bao ke Mme Boitshepo Tshwene wa Sekokwe le mo kgaolong ya Matsiloje/Matshelagabedi, yo o dingwaga tse di masome mararo le boraro. A re e re ka go twe dilo makwati, o ne a bona go tshwanela gore a ikopanye le ba ba setseng ba itse gore go dirwa jang go ka kgobokanya madi, mme a kgona. Mme Tshwene a re ka 2015 fa o simolola, e ne ya nna maikaelelo a gagwe go leka go ikisa meriting, a ititaya sehuba mme a tsena motshelo o a neng a duela P200 kgwedi le kgwedi. A re tumalano e ne e le gore fa ngwaga o ya bokhutlong ba tlaabo ba kgaogana madi ao. “Ke ne ka iteka tota, ka dira ka natla gore ke seka ka tlhaelela mo tseleng, mme ka nnete ya re ngwaga fa o wela ka roba se ke se jwadileng,” a tlhalosa. Mme Tshwene a re o ne a dirisa madi ao go itshemololela semausu mo gae ka a ne a lemogile gore batho ba a sokola go ya go reka dijo le tsa go tlhapa kwa toropong. A re o ne a reka tsotlhe tse di tlhokafalang ka a ne a na le tumelo ya gore batho ba tlaa reka mo go ene e bile o tlaa kgona go ithekisetsa ka a sa bereke. Mme Tshwene, yo o tlhalositseng fa e le motsadi wa bana ba le bane, a re o sale a simolodisa kgwebo e bana ba gagwe ga ba ke ba tlhoka phaletshe. A re le fa go ntse jalo, o na le dikgwetlho tsa gore baagisanyi ba a kolota fa go phaphaletse, e re morago bangwe ba tloge ba mo tsenye dingalo go duela. Gape a re se se ama kgwebo ya gagwe ka jaana go le turu go duela koloi go mo tsisetsa tse di rekisiwang mo semausung. Mme Tshwene o ne a tshwaela gore e re le ntswa a kgonne go itshimololela kgwebo, e bile e le ene a e tsamaisang, o ne a tlhoka lesego mme ya re a sa le ngwana a dira dithuto tsa gagwe tse di potlana, a tlhaselwa ke go ruruga maoto mo go neng ga mo tlogedisa sekole ka ntata ya gore se ne se le kgakala thata le kwa a neng a nna teng. O tlhalositse fa se se ne sa seka sa mo dira gore fa a gola, a nne fela a re a direlwe sengwe le sengwe mme o ne a itshetsa ka go thusa batho mo gae ba mo atswa go fitlhelela a bo a felela a fetotse botshelo jwa gagwe. A re e re le ntswa a sa tsena sekole, o kgona go bala madi le go kwala, selo se a tlhalositseng fa se mo solegela molemo go godisa kgwebo ya gagwe. Mme Tshwene a re o ititeile sehuba go godisa kgwebo ya gagwe ka e bile a sena ope yo a iteisanang borathana nae. A re o eletsa gore mo dingwageng tse di tlang, a bo a atolositse tse a di rekisang a tsentse le dilo tsa kago ka jaana masimo a bone a gola. O gakolola banana gore maano a botshelo ga a site, e bile ba ba sa itewang seatla jaaka ene ba seka ba itlhoboga ba nne ba lekeletse gore ke eng se se ka ba berekelang go ka itshetsa. economy_business_and_finance 3 Go tsaya diritibatsi go a boloka Ba botsogo ba tshwenyegile ka balwetse ba ba tlogelang kalafi ya diritibatsi tsa HIV. Mo potsolotsong bosheng, mogolwane wa tsa melemo Mme Barati Mogomotsi o ne a re ba itemogela palo e e golang letsatsi le letsatsi ya balwetse ba ba itlogedisang diritabatsi mme seo se busetsa maiteko a puso a go fokotsa dintsho tse di ka bakwang ke mogare wa HIV kwa morago. Mme Mogomotsi a re e le ba botsogo ba itemogetse mabaka a le mmalwa a a ka tswang a dira gore balwetse ba felele ba tlogela kalafi jaaka tumelo ka Batswana bangwe ba dumela gore thapelo e le yosi e ka fodisa mogare ntswa ba bongaka ba supile fa mogare wa HIV o sena kalafi. A re mabaka a mangwe e ka nna kgetlhololo, segolo bogolo bana ba ba tshotsweng ba na le mogare ka fa ba tsena kwa dikoleng tse dikgolwane ba simolola go itlogedisa kalafi ba tshaba go itlhalosa mo balekaneng ba bone gore ba nwa diritibatsi. Mme Mogomotsi a re ba lemoga gore molwetse o itlogedisitse diribatsi fa masole a mmele a sa tsholotsege. O ne a supa gore ba bereka ka natla go berekisana le balwetse ba ba tlogelang dipilisi ka go ba isa tshidilong maikutlo e le tsela nngwe ya go leka go ba bontsha mosola wa go tsaya maikarabelo ka matshelo a bone. O kopile setshaba go ikatumetsa fa go ba bongaka fa diribatsi di sa ba tsee sentle e le tsela nngwe ya go fokotsa go di latlha ka go le borai ka bana ba ka felela ba di sela ba di ja mme go bee matshelo a bone mo diphatseng. Mme Mogomotsi a re puso e tshwaragane le namane e tona ya tiro le batsaya karolo ka ba setse ba simolotse lenaneo la go tlhatlhobela mogare mo malapeng mme seo Batswana ba se amogetse mme e bile se thusa puso go itse dipalo tsa batho tse di tlaa tlhokang thuso ya diritibatsi. A re e le ba botsogo ba itumelela kgato e e tsewang ke Batswana ya go tsaya boikarabelo ka botsogo jwa bone ka kanamo ya mogare mo kgaolong ya Selebi Phikwe e wela tlase ga mmogo le palo ya masea a tsholwang a na le mogare palo ya one e ile kwa tlase fela thata. health 6 Ipelegeng e tlhaelelwa ke ditsompelo Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Tuduetso Ramoswetsi, a re, o tshwenngwa ke tlhaelo ya didirisiwa mo lenaneong la Ipelegeng. O ntshitse matshwenyego ao mo phuthegong e e neng e biditswe ke mopalamente wa Molepolole Borwa Rre Daniel Kwelagobe kwa kgotleng ya Gakhunou mo Molepolole ka Labotlhano. Mme Ramoswetsi a re, ba na le ditiro di le mmalwa tse ba tshwanetseng go di dira di akaretsa go baakanya leobo la kgotlana ya Maunatlala, go baakanya tsela, go sela matlakala, go katolola melatswana, go baakanya matlo a khansele a le masome a mabedi kwa kgaolwaneng ya Bokaa le ditiro tse dingwe mo godimo ga tseo. A re, ba na le dikgaolwana di ferabongwe tse di nang le babereki ba Ipelelgeng , tse e leng gore ba tshwanetse go di thusa ka didirisiwa, a tlatsa ka gore kgaolo nngwe le nngwe e na le garawe e le nngwe, selo se se ba itsang go dira tiro ka botlalo. O tlhalositse fa ba thapile babereki ba Ipelegeng mo kgaolong ya gagwe ba le masome a fera bongwe le botlhano, a tlatsa ka gore ba abelwa ditiro fela mme go sena didirisiwa tse ba di fiwang. O tsweletse a tlhalosa gore, go bereka ntle le didirisiwa tse di tshwanetseng, ke selo se se ka tsenyang matshelo a babereki mo diphatseng. O file sekai ka kgang ya go sela matlakala babereki ba sa itshireletsa , a re selo se, se ka felela se tsenya babereki mo diphatseng tsa go tsenwa le malwetse. Go ntse gole fo, banni ba supile ngongora ka fa tshekatsheko ya lenaneo la nyeletso lehuma e dirwang ka teng, ka ba re e ba beile ka fa mosing. Ba re, go lebelela bonno jo moikopedi a nnang mo go jone go ba itsa go ka nna le sebaka sa go tsaya mananeo ao. Ba tsweletse ba gakolola gore ditshekatsheko di tshwanetse go dirwa go lebeletswe gore moikopedi ga a na se a itshetsang ka sone le gore ga a bereke eseng gore bonno jo a nnang mo go jone bo ntse jang. Fa a tswa la gagwe mopalamente wa kgaolo Rre Daniel Kwelagobe, o gwetlhile babereki ba Ipelegeng go inaakanya le temo ka nako ya letsema. A re go na le mananeo a puso a go thusa balemi ka dipeo, menontshane, dichefi tse di bolayang mhero le didirisiwa tsa temo. O ba gakolotse gore ba ka boa ba inaakanya le lenaneo la Ipelegeng morago ga temo ka gonne temo e na le dipoelo tse di fetang dikatso tsa Ipelegeng. Mopalamente o gwetlhile banni bogolo thata banana, go inaakanya le ditlhopho ka go ya go ikwadisa ka dipalo tse di nametsang, a tlhalosa gore go tlhoka go ikwadisetsa ditlhopho go nyemisa puso moko. BOKHUTLO society 9 Badiri ba abela batlhoki kwa Mulambakwena Maphata le makalana ka go farologana a tsweletse ka maiteko a go diragatsa matshego a tebelopele ya lefatshe leno ya 2016. Babereki lephata la tsa pereko le selegae kwa Masunga ba supile maiteko ka bofelo jwa beke fa ba abela batlhoki bangwe ba le babedi mo moletlong o mokhutshwane o o neng o tshwaretswe kwa kgotleng ya motse oo. Diaparo tse di neng di tswa mo babereking ka go farologana, di ne tsa rolelwa Rre Kgakgamatso Sekelemani le Mme Rebecca Chidi. Fa a bua kwa tholong ya diaparo tseo mo boemong jwa molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Mme Margaret Chienda, o ne a akgola badiredi bao ka mpho ya bone. A re go a itumedisa go bona batho ba tsweletse ka go tsiboga fa ba bona go na le botlhoki bongwe mo tikologong ya bone. Mme Chienda o ne a tlhalosa fa se se dirilweng ke babereki bao, se le botlhokwa thata ka se tlaa nna le seabe mo tshekatshekong ya tepelopele ya 2016. Modiri wa lephata la boipelego kwa Mulambakwena, Mme Onameditse Seetapele le ene o ne a galaletsa maiteko ao, a rotloetsa batho go nna le mowa wa go arogana le ba bangwe. Mme Seetapele a re batho ba tshwanetse ba itse fa go se mpho epe e e ka galalwang, a supa fa ba boipelego ba amogela mpho nngwe le nngwe go sa kgathalesege gore ke ya selekanyo se se kae. Ka jalo a re batho ba dire bojotlhe go leka go aba, ka jaana go sa tlhoke le gore motho a bo a na le dikhumokhumo. Mokhanselara wa kgaolwana ya Mosojane, Rre Mbaakanyi Smart, a re babereki bao ba dirile tiro e kgolo thata ka jaana ba supile fa ntleng le tiro ya bone ya go fa batho ditirelo, ba eletsa go direla setshaba se ba direlang mo go sone. A re go bo ba kgonne go tsaya tsia mafoko a a reng ‘go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang, seo se tlaa ba thusa go bona tshegofatso go tswa kwa Modimong. Fa a tswa la gagwe, mogolwane mo ofising ya mesepele le boagedi, Mme Lindiwe Ngwenya a re ba ne ba thulanya ditlhogo mme ba tswa ka mogopolo wa go nna le seabe sa go direla setshaba se se mo tikologong e ba direlang mo go yone. society 9 Katisenge o tsosolosa ngwao Mme Lesedi Katisenge wa kgotla ya Botshabelo mo Maun ke mongwe wa ba ba ititeileng sehuba go tshegetsa le go somarela ngwao gore bana ba kgone go e akola mo isagong. Ke mongwe wa bomme ba ba santseng ba ipelafatsa ka ntlo ya bojang, selo se bontsi bo sa se direng ka batho ba inaakantse le moago wa sesha. Mme Katisenge o bolela fa a rata ntlo e e ruletsweng ka bojang ka e na le sekao sa ngwao ya Setswana. A re kwa morakeng wa gagwe kwa Maego o agile matlo a Setswana ka a lemogile gore a ka nna thuto mo bananeng a lebeletse gore dingwe tsa ngwao jaaka didirisiwa di nyelela ka monokela. Mme Katisenge o tlhalositse fa a inaakantse le go dirisa setlhare sa mokgotse se a reng mo malobeng se ne se le botlhokwa ka jaana batho ba ne ba bofa bojang le gone go rulela ka sone. A re e re ka setlhare seo le sone se gomagomediwa ke go nyelela, o bone go le botlhokwa go se somarela ka se a na le boleng le bokao mo ngwaong. A re setlhare se gantsi o se kgetla mariga ka se a bo se siametse go ka dirisiwa. O supile fa a le motlotlo ka jaana bangwe ba tsere malebela mo go ene mme ba kgatlhegela go se dirisa. O kaile fa setlhare seo se diriswa gape go kgabisa mo malwapeng ka jaana se nna fela se le setala le gore bangwe ba kgona go se dirisa go alafa ditsebe. Mme Katisenge a re gantsi fa a ya go kgetla setlhare se o tsamaya le bana ba gagwe, a tla a ba ruta le go ba supegetsa gore go dirwa jang gore le bone kamoso ba tsweledise tema e a e segileng. O gakolotse balekane ba gagwe go nna sekao mo bananeng, go ba ruta ka didirisiwa tsa bogologolo gore di seka tsa nyelela, a tlatsa ka go re go na le dilo tse di neng di dirisiwa bogogolo tse di nyeletseng jaaka lodi le le neng le dirisiwa mo matlong a Setswana fela jaaka mokgotshe. arts_culture_entertainment_and_media 0 Se rwaleng matsogo mo tlhogong - Ralotsia Tona wa temo-thuo, Rre Patrick Ralotsia, o gakolotse balemi-barui gore ba seka ba tsenwa ke mowa wa boitlhogo morago ga dipego tsa gore pula ya monongwaga e tlaa dika e le boutsana. Fa a a bua kwa moletlong wa go leboga barotloetsi ba ditshupo tsa temo-thuo tse di neng di thswaretse mo Gaborone bosheng, o ne a tlhalosa fa dipego tseo di ka tswa di na le boammaaruri, mme balemi-barui ba tshwanetse go tia moko ba ipaakanyetsa go dirisa marothodi a a tlaa nna teng. A re lephata la temo-thuo le tshwanetse go ema ka dinao go thusa balemi go tswa ka maano a gore dijo di ka ntshiwa jang. Rre Ralotsia o lebogetse bagwebi ba ba ikemetseng ka nosi mo seabeng sa go ikamanya le lephata go thusa balemi. A re fa ba tshwaraganetse kgetsi le ba temo-thuo di ka ntsha maduo a a botoka go lebeletswe dikitso tse ba nang le tsone. O ne a iteela legofi barotloetsi ka kakaretso, bogolo segolo ba Debswana ka ba agile loobo lo go tlhatlhobelwang disupiwa mo go lone le masaka. A re go le gontsi go tshanetswe go dirwa go tlhabolola lefelo la ditshupo le le mo setsheng seo se se bophara jwa 82 hectares. Rre Ralotsia a re go tlhokafala gore go logwe maano a gore go dirwe ditlhabololo tse di ka tsenyetsang lefelo le madi jaaka matlo a boroko le ntlo lohalahala ya disupiwa. Mogolwane wa tsa kanamiso mafoko kwa Debswana, Mme Esther Kanaimba-Senai, yo o neng a bua mo boemong jwa barotloetsi, a re khamphani ya bone e lemoga botlhokwa jwa go thusa mhama wa temo-thuo ka jaana o ka thusa go kabakanya itsholelo e e sa ikaegang ka diteemane. A re ngwaga le ngwaga Debswana e ntsha P700 000 go rotloetsa ditshupo le balemi-barui go tsaya karolo mo go tsone. O gateletse botlhokwa jwa gore Batswana ba tlhoafalele temo ka jaana diteemane ke meamuso ya tlholego e e felang. society 9 Batswana ba kgothadiwa go tlhopha Mogolwane wa lephata le le ikemetseng le le tsamaisang ditlhopho, Rre Nyanga Nyanga o gwetlhile setshaba go lemoga fa go le botlhokwa go tsaya boikarabelo mo go diragatseng tshwanelo ya go tlhopha. Rre Nyanga o dirile boikuelo joo kwa phuthegong ya maloko a diphathi ka go farologana kwa Francistown ka Labone, ka maikaelelo a go leka go batla ditsela tse ba ka di dirisang go ruta le go lemotsha Batswana botlhokwa jwa go tlhopha. O tlhalositse fa go le botlhokwa gore Motswana mongwe le mongwe yoo lekaneng go tlhopha a diragatse tshwanelo ya gagwe ya go tlhopha ka jaana go dira jalo e le nngwe tsela ya go rotloetsa ditlhabololo. Rre Nyanga a re go tsaya karolo mo ditlhophong tsa setshaba go supa fa Batswana ba tlaa bo ba tsaya karolo mo go diragatseng ditshwetso tsa setshaba ga mmogo le go tiisa serodumo sa thokgamo ya lefatshe. A re go tlhopha go thusa gape go roma ntlhophang yo batho ba mmatlang e bile ba na le tshepho mo go ene. Rre Nyanga o bile a tlhalosa fa ba tsamaya ba buisa baithuti mo dikoleng gore bana ba gole ba itse mosola wa go tlhopha. A re gape ba dirile gore lenaneo le le itebagantseng le go rotloetsa banana go tsaya karolo go tlhopha le tsosolosiwe. O tlhalositse fa lenaneo leo le ne la phutlhama ka ditlhopho tsa 2004 ntateng ya letlhoko la madi a go atswa ba ba neng ba le tsamaisa. Rre Nyanga o supile gape fa mo ditlhophong tsa 2004, banana ba selekanyo sa 23 mo lekgolong ba ne ba tsaya karolo le ntswa go dumelwa gore banana ke bone ba palo ntsi mo lefatsheng mme e bile e tshwanetse ya nna bone ba ba di gogang kwa pele mo ditirong tsa lefatshe. A re go tlhoka go tsaya karolo ka bontsi mo ditlhophong ga banana go ba tshwenya thata mme ba ne ba dira gore ba nne le mekgwa ya go ba lemotsha botlhokwa jwa go tlhopha. Rre Nyanga o tlhalositse fa e ne ya re morago ga gore ba tsee malebela mo makaleng a mangwe a botsamaisi jwa ditlhopho, ba simolodisa lenaneo la banana ka maikaelelo a go ipaakanyetsa ditlhopho tsa 2009 le 2014. O supile fa lenaneo leo le ne la ba tswela mosola ka jaana dipalo tsa banana ba ba neng ba tsaya karolo go tlhopha di ne tsa gola. A re ka 2009, ba bone koketsego ya selekanyo sa banana ba ba tlhophileng ya 29.4 mo lekgolong fa ka 2014 ba bone 40 mo lekgolong. BOKHUTLO politics 7 Monana o itumelela thuso Monana kwa Ghanzi, Mme Mphonyaone Kebadile, a re o thusitswe ke Local Enterprise Authority go itshimololela kgwebo ya go lema ka 2011. Mo potsolotsong bosheng, Mme Kebadilewa wa dingwaga tse di masome a mabedi le bone o supile fa a simolotse kgwebo e a sena go lemoga gore ga a kgone go bona tiro e e ka mo tshetsang ka jalo a bona go tshwanela gore a ikopanye le ba lephata la banana go kopa thuso ya madi ka o ne a lemoga fa a na le kitso le keletso mo temong. Mme Kebadile a re o ne a adimiwa dikete di le lekgolo le masome a matlhano go simolola kgwebo mme mmaagwe a mo neela ekere gore a simolole kgwebo. A re o thusegile ka o dirisa metsi a sediba se se mo tshimong ya bone, selo se a supileng se tokafaditse kgwebo ya gagwe fela thata e bile se mo tiisetse moko le go feta ka o kgonne go reka mathombo a a nosetsang le tanka e a bolokelang dijalo tsa gagwe metsi a a lekaneng tsatsi le letsatsi. Molemi yoo wa monana o tlhalositse fa a dirisa motshine wa peterole go goga metsi a a nosetsang, selo se a supileng se sa mo turele thata. Mme Kebadile o supile fa a kgonne go ithekela diaparo tsa itshireletso mo tirong gammogo le melemo le menontshane e e lekaneng temo ya gagwe. economy_business_and_finance 3 Tlotlang bogosi - Tsogwane Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Slumber Tsogwane, o kopile merafe go tlotla bogosi. Rre Tsogwane o buile se mo phuthegong e e faphegileng ya dikgosi le bo ralekgotla ba Seherelela le metse e e mabapi e a neng a e buisa pele a buisa morafe ka Labobedi. A re dikgang tsa bogosi di rarabololwe ka morero go itsa seemo se se tlwaelesegileng mo bogompienong sa go tlhopha dikgosi. O ba kopile gape gore ba ise dikgang tsa bone kwa Ntlo ya Dikgosi ka baemedi ba bone gore di tle di rarabololwe koo. Tona o ne a tswelela ka go kopa dikgosi gore di ntshe bogosi mo sepolotiking ka jaana go dira jalo go ka kgaoganya merafe e ba e eteletseng pele. A re tiro ya kgosi ke go bopaganya morafe, mme fa e tsena mo sepolotiking go ka baka gore morafe o kgaogane. O ne a tlhalosa fa lephata la gagwe le tlhaloganya dikgwetlho tse dikgotla di nanng natso, di akaretsa go tlhoka maobo le go tlhaela ga dikoloi. O ne a tlhalosa fa puso e tsweletse ka go araba dilelo tsa bone jaaka go tsweletswe ka go aga maobo a dikgotla ka lenaneo la Ipelegeng. Kgosi ya Seherelela, Rre Olwetse Dinaane, o ne a leboga tona go bo a dirile thulaganyo ya go kopana le borara jwa motse ka dikgang tse di ba amang. O ne a kopa gore mo nakong e e tlang bokopano jwa mofuta o, bo okelediwe nako gore ba tle ba nne le sebaka se se lekaneng go itekodisa tona. A re e re le ntswa a itse seemo sa puso sa letlhoko la madi, dikgosi di kopa gore ba nne ba tlhatlosiwa maemo gore ba kgothale mo tirong ya bone. A re Seherelela o godile mme dikgosana tse a dirang tiro le bone ga di atswiwe ka sepe. O ne gape a kopa gore ba agelwe ofisi ya kgotla gore ba kgone go dira tiro ka fa go tshwanetseng ka teng go na le fa ba thusetsang morafe teng. Kgosi Seene Gopane wa Tsonyane ene o ne a re o lebogela mafoko a ga tona a gore dikgosi di seka tsa tsena mo mererong ya sepolotiki. A re ere ka jaana kgosi ele motho yoo letlanyang, ga a tshwanela go tsaya letlhakore lope gore a kgone go dira tiro ka matsetseleko. O ne a bolelela tona fa motse wa Tsonyane o saletse kwa morago ka ditlhabololo ntswa o sa bolo go tlhomamisiwa. A re o sale a tlhomiwa kgosi e e letlanyang ka ngwaga wa 2001 a thusa le metse e e mabapi mme le jaana ga gona tlhatloso maemo. BOKHUTLO society 9 Dikgosi di kopa maiteko a a tseneletseng go lwantsha borukutlhi Kgosi Paul Mbaeva wa Bodibeng, mo kgaolong ya Bokone Bophirima, o kopile morafe le setshaba ka kakaretso go tshwaragana le mapodise go tiisa maiteko a go lwantsha bogodu jwa leruo. Mo polotsong bosheng, kgosi o kaile fa bogodu jwa leruo bo le bontsi fela thata mo tikologong ya bone, a tlatsa ka gore magodu a utswa thata dikgomo, dihutshane, dipitse le ditonki. Kgosi Mbaeva a re bogodu jwa leruo bo bolaya matshelo a barui le malwapa a bone, ke ka moo go tshwanelang gore mapodise le morafe ba bereke e le seopo go tila kgang tsa go tshwana le tse. A re bagolwane ba motse ba dirile maiteko a go tlhagisa barui le morafe ka kgolo kana go anama ga bogodu jo, le ditsela tse di ka dirisiwang go bo lwantsha, mme maiteko a bone ga a ise a ntshe maduo a a nametsang go fitlha jaana. Kgosi o ne a tlatsa ka gore bontsi jwa dilalome tse di utlwalelwang mo bogodung jo ke bana ba motse; ba e bile ba tsayang leruo le go bonala mme ba le beye matshwao a bone. “Re na le bothata jo bo tseneletseng golo fa, ka magodu a utswa dikgomo bogolo jang marole ba bo ba a tshwaya ka matshwao a bone, mo go dirang thata gore beng ba leruo ba le lemoge kana ba kgone go supa leruo la bone”, go bua Kgosi Mbaeva. Kgosi Mbaeva a re seemo se se utlwisa botlhoko ka e bile batsadi bangwe ba bipa mpa ka mabele ka ba itse fa bana ba bone ba amega mo bogodung jo, a tlatsa ka gore seemo se se tlaa bifa fa banni ba ka seka ba se lwantsha go sale jaana. A re bogodu jwa leruo bo kopakopanngwa ke gone gore barui ga ba dise leruo la bone, mme le felele le tshabelelwa ke go ka utswiwa. Leruo le le utswilweng le, le felela le rekisetswa mabenkele a nama kana dibutshara mo Bodibeng le metse e e mabapi. Mothusa Kgosi kwa Shorobe, Rre Gaditshwane Mmutle, o ne le ene a ntsha matshwenyego a gagwe tebang le bogodu jwa leruo, jo a reng bo gola thata mo go tsitsibanyang mmele mo motseng wa gagwe le e e mo tikologong. A re noka e apesitswe ke matlalo a dikgomo le dipodi gammogo le mala. Kgosi Mmutle a re letlhoko la sepagamo kana dikoloi le folodisa maiteko a ba sepodise go potlakela go lwantsha bogodu jwa leruo. A re mo dilalomeng tse, bangwe ke banana. O boletse fa mo bosheng bagolwane ba motse ba ile ba fitlhela matlalo gaufi le megotlha. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Amogelang diphetogo - Seretse Mopalamente wa kgaolo ya Lentsweletau/Mmopane, Rre Vincent Seretse a re go amogela diphetogo ga se selo se se motlhofo le mororo di na le bomolemo mo go tlhabololeng tsamaiso. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Mmatseta, kgwedi eno e le lesome, Mopalamente Seretse a kopa morafe go amogela diphetogo tse di dirilweng ka motshine o o tlhophisang, a tlhalosa fa di le molemo e bile go se sepe se se ka bakang tlhobaelo. A re diphetogo dingwe le dingwe tse disha di tla ka bothata jwa tsone, e bile go se motlhofo go ka amogelwa ka go na le se batho ba abong ba ntse ba se tlwaetse, mme ba ikgatholose bomolemo jwa sesha. O file sekai ka metshine ya di ATM tsa dibanka gore di ne tsa seka tsa amogelwa kwa tshimologong, mme e ne ya re mo tsamaong ya nako, batho ba lemoga fa e tokafaditse tsamaiso. Rre Seretse, yo e bileng e le tona ya peeletso, papadi le madirelo, o kopile morafe go dira mo go tweng mosele-wa-pula o epiwa go sale gale, ka go rulaganyetsa ruri ditiro tsa go tlhabolola kgaolo eo, ka madi a P10 million a dikgaolo, ka jaana e tlaa nna selo sa ngwaga le ngwaga. Mme Sefetiso Koogotsitse o supile matshwenyego a go tlhoka morero ga komiti ya ditlhabolo tsa motse oo, mo dikgannyeng tsa go thapela mananeo a tokafatso matshelo a morafe. Mme Koogotsitse o tlhalositse fa komiti e le yone ka nosi e akolang go thapela mananeo a go selwa ga matlakala, nyeletso lehuma le la Ipelegeng, morafe one o kgaphetswe ntle. Mo kgannyeng ya phiro ya VDC, Mopalamenete Seretse o kopile maphata a a lebanyeng go tsibogela tharabololo ya kgang eo, go hema go gotlhagotlhana ga morafe le bogogi jwa motse. Rre Simako Tsele ene o kopa tokafatsa ya difomo tsa ikopelo mananeo a tshwana le a banana. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Mmatseta, mme Matsema Segone o lebogetse thulaganyo e e tsweletseng ya go tllhabolola motse oo, ka kgokelo ya motlakase o ba kaileng ba sale ba o letile ga mmogo le tlhomamiso ya ga Kgosi Robert Sebego. Le fa go ntse jalo, a re go nna teng ga ga Kgosi a sena mapodisi, bakwaledi le diofisi tsa morafe, go santse go tlaa kgoreletsa morafe go akola thulaganyo eo. Le fa go ntse jalo, o supile fa ba na le matshwenyego a tiego ya go amogela dijo tsa bana mo dikoleng tse di tlang ka go rotha. A re tlhaelo ya boroko le matlo a borutelo e sa ntse e tshwenya, bogolo jang ka gore bananyana ba pre-school ga ba na fa ba rutelwang teng, fa bangwe ba baithuti ba rutelwa mo ntlong ya mabeelo a dithoto. Modulasetilo wa khansele ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Botokanyana Motoroko o solofeditse fa thulaganyo ya go anamisa dijo e tlaa tokafadiwa mo setlheng se se latelang sa thuto, a tlhalosa fa bothata jo bo santse bo bakwa ke neelano ya ditiro ka gore thulaganyo eo, e ntse e dirwa ke ba goromente yo motona. economy_business_and_finance 3 Monana o ipelafatsa ka kgwebo ya matlakala Rre Dikgakgamatso Khamfore, ke monana wa dingwaga tse di masome a mararo le bone yo o simolotseng kgwebo ya go phepafatsa mabenkele morago ga go reka teraka ka bontlha bongwe jwa dikatso tsa motsadi wa gagwe tsa go tlogela tiro ka 2009. A re o simolotse ka go thapa mmereki a le mongwe go mo thusa tiro e a reng o ne a e dira e se ka lorato mme a tlamega ka a ne a tshwanelwa ke go jesa ba lwapa la gagwe. O boletse gore, “Kgwebo e ne e le boutsana le mmaraka o le kwa tlase, mme le go ntse jalo re ne ra simolola re olela matlakala mo mabenkeleng a mabedi e leng a RJ le Cut Price mo Mahalapye, dituelo di ne di le kwa tlase mme ka lemme le sa bolae, re ne ra itshokela bonyenyane joo.” Rre Khamfore a re kgwebo e ne ya simolola go gola fa ba ikgapela tiro ya go tsaya matlakala mo go ba Choppies, a supa fa mo nakong eno ba tsaya matlakala mo mabenkeleng a le masome a mabedi , tiro e a tlhalosang fa ba e dira tsatsi le letsatsi. O tlhalositse gore ba ile ba reka teraka e nngwe ka 2012 gonne tiro e ne e gola. O tsweletse a re ngogola o ne a tsena mo kgwebong ya go rekisa mabokoso le mabotlele e a neng a bona mmaraka wa yone mo go ba Duma Tau mo Gaborone, mme morago a bona mmaraka o o botoka kwa Aferika Borwa mo komponeng ya MPACT. A re morago ga se, o ne a atolosa madirelo, a batla lefelo le le phuthologileng kwa Flowertown go kgona go bolokela mabotlele le mabokoso teng. Rre Khamfore o ipelafatsa ka dipoelo tsa go gweba ka matlakala a tlhalosa fa di le bogadi bo gaufi e bile a supa fa a sa latlhegelwe ke sepe ka a tsaya matlakala a mabokoso a a phuthelang mo marekisetsong mahala gonne mo go bone ke leswe, fa mo go ene e le kgwebo. A re o kgona go tlamela lelwapa la gagwe ga mmogo le go duela badiri, a bo a kgona le go bolokela isago. O boletse fa kgwetlho e tona mo kgwebong ele letlhoko la madi a go godisa madirelo, a tlhalosa fa kgwebo e ka nna tona fela fa ba ka bona madi a go reka metshine e e papaitelang dipampiri, e e thubang mabotlele gammogo le o o kalang. O tsweletse a re ba lekile go kopa thuso mo lekalaneng la banana mme go retetse, mme mo go tse dintle a bolela fa ba beile tsholofelo ya bone mo go ba CEDA. A re mathata a mangwe ke ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa diteraka tse ditona tse di ba isetsang matlakala kwa Aferika Borwa, a tlhalosa gore fa ba ka kgona go reka teraka e tona , ba ka nna le dipoelo tse di itumedisang le go gaisa. Rre Khamfore a re maikaelelo a gagwe ke gore mo isagong ba bo ba kgona go tsaya matlakala mo kgaolong yotlhe ya Legare le mo dikoleng tsotlhe tsa Mahalapye. O bolela fa mo nakong eno a kgonne go thapa banana ba ferabobedi , a tlhalosa fa se, se dirilwe ke gore o lemogile fa banana ba amilwe ke letlhoko la ditiro mme e bile a ikaelela go oketsa babereki fa a ka bona dithuso. O boletse fa go dira ka matlakala go mo itumedisa ka jaanong ke gone a lemogang fa go sa tsenye dingalo, a tlatsa ka go tlhalosa fa mabokoso le mabotlele ele dithoto tse di motlhofo ka jalo di ka se utlwise koloi botlhoko. O gwetlhile banana ka ene go ipulela dikgwebo go leka go lwantsha letlhoko la mebereko le go tlhamela ba bangwe ditiro go itsa go ikaega fela ka puso nako tsotlhe. economy_business_and_finance 3 Bomme ba inaakanya le tiro ya diatla Bomme mo lefatsheng leno ba tsweletse ka go supa fa le bone ba na le bokgoni jwa go dira ditiro tsa diatla tse go tlwaelesegileng e le tsa borre. Botaki ke nngwe ya ditiro tsa diatla tse go tlwaelesegileng e le tsa borre. Ka talente ya gagwe ya botaki, monana wa Palapye, Mme Itumeleng Motswetla wa dingwaga tse di lesome le borobabongwe ke mongwe wa bomme ba ba supang fa bomme le bone ba na le bokgoni jwa go dira ditiro tse go tsweng goo- Lowe go tlwaelesegile e le tsa borre. Mo polotsolotsong le O kaya fa ka nako eo a ne a rata go tshameka ka dipensele le metako mme seo sa aga lerato la botaki mo pelong ya gagwe. E re ntswa e le moithuti kwa BIUST a dira se se pharologanyo le botaki, a re maikaelelo ke go tsweledisa talente ya gagwe ya botaki. A re botaki ke sengwe sa tse a di beileng mo pelong ya gagwe gore o tlaa di dira botshelo jwa gagwe jotlhe gore bangwe ka ene ba rotloetsege go dira ditiro tsa diatla. “Gantsi ke dira tiro ya botaki fa ke le mo malatsing a boitapoloso. Ka nako ya sekole ke dirisa inthanete go lebelela ditshwantsho tsa botaki tse di nthusang gore ke tswelele ka go gola ka tiro ya botaki,” a tlhalosa jalo. Mme Motswetla a re kamano ya tsa botaki go tswa bonnyennyaneng jwa gagwe le lorato le le tseneletseng di ile tsa gola thata mo a feletseng a dira dithuto tsa botaki kwa dikolong tse dikgolwane tsa Nanogang Junior Secondary School le Naledi Senior Secondary School kwa a feletseng a tsaya A le B ka tatelano. Itu, jaaka a itsege mo mererong ya tsa botaki o tsweletse ka go dira sentle mo bogompienong ka go bo a tsweletse ka go rekisa ditshwantsho tse a di dirang ka pente. A re ga gona sepe se se mo itumedisang jaaka go ipona a tshwere pente le borashe, a dira se se agileng mo pelong ya gagwe e leng botaki. Potso e ne ya nna gore ke eng a tlhopile go dirisa pente go na le didirisiwa tse dingwe di tshwana le dipensele go tshwantsha. Mme Motswetla o ne a supa fa a rata go dirisa pente ka go bo e dira ditshwantsho tse okareng di a tshela. Mme Motswetla, yo e leng leloko la Thapong Visual Art Centre, o supile fa ditshupo tsa botaki tse a kileng a di tsenelela di mo file sebaka sa go supa tiro ya gagwe. O kaya fa di okeditse botsipa le bokgoni jwa gagwe mo go tsa botaki jwa pente. O tlhalositse fa a ne a tsenelela dikgaisanyo tsa Thapong Arist of the Year Award ngogola mme le fa a ne a sa fenya kgaisanyo eo o ne a seka a kgobega marapo a tswelela ka go dira ka thata mo botaking jwa gagwe. “Ka nako ya ditshupo tsa botaki ke ithuta go le gontsi mo bataking le badiragatsi. Ke tsaya maele le dikgakololo tsa bone ka tlhoafalo. Ke reetsa thata ka fa ba tlhalosang botaki le ditshwantso tsa bone ka teng mme ke kwatabolola mo go bone gore ke nne motaki yo o botoka,” a tlhalosa jalo. Mme Motswetla o akgoletse Thapong Visual Art Centre go bo e tsweletse ka go supa ditshwantsho tsa gagwe tsa botaki, a tlatsa ka go re tiriso ya maranyane a facebook e mo thusitse gore a kgone go rekisa ditshwantsho tsa gagwe mo gae le ko mafatsheng a sele. Mme Motswetla o kopile barati le barotloetsi ba botaki le Batswana ka kakaretso go rotloetsa dikwebo tsa botlhami, botaki le bodiragatsi ka go reka ditshwantsho tsa bataki ba mo gae.BOKHUTLO society 9 Ba abetse banni dikgetse tsa raese Khamphani ya Carapperl Botswana, e abetse banni ba metse ya Matlagatsi, Mantshwabisi le Serinane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng/Lephepe dikgetsi tsa raese di le makgolo a mane le masome a matlhano. Mogolwane go tswa kwa khamphaneng eo, Rre Modise Molondo o supile fa ba abela batho dijo tseo, tse di tswang kwa mokgatlhong wa Tzu Chi Foundation, o o tlhamilweng ke mme mongwe dingwaga tse di masome a matlhano le bongwe tse di fetileng, a sena go bona tshotlego e e kwa Taiwan. O supile fa mme yoo, a ne a na le dingwaga di le masome a mabedi le borataro ka nako eo mme gompieno mokgatlho o, o aname le mafatshe a le masome a supa le borataro, mme o na le dingwaga tse nne o le mo lefatsheng leno. Rre Molondo o supile fa ba abela dikgaolo tsotlhe tse di lebanweng ke go abelwa ba sa tlhaole, a supa fa ga ntsi ba itebaganya le bagolo, batlhoki le ba-na-le bogole. O supile gape fa ba na le dingwaga tse pedi ba ntse ba abela kgaolo eo, a bo a tlhalosa fa ba ikaelela go dirisana le mopalamente ya yone gore ba abele banni ba kgaolo ya gagwe dimpho tse di farologanyeng. Fa a amogela dimpho, mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng/Lephepe, Rre Liakat Kablay a supa fa a itumelela dimpho a bo a kopa banni go amogela dimpho ka oo mabedi, ka sejo sennye se sa fete molomo. O supile fa maikaelelo a bone e le go abela lelwapa lengwe le lengwe kgetsi ya raese gore kwa bofelong mongwe el mongwe a kgone go oba letsogo. Mopalamente o ne a kopa batho ba kgaolo ya gagwe go nna pelotelele fa ba sa bona sepe, ka a tlaa leka ka bojotlhe go ba kopela dimpho tse dingwe nako e e tlang. O supile fa a tlaa tswelela a tshwaragane le ba mokgatlho wa Tzu Chi Foundation gore ba tswelele ba abela batho ba kgaolo ya gagwe bogolo thata ba ba kgakala le ditlamelo. Mokhanselara wa Mantshwabisi, Rre Meshack Tshenyego o ne a leboga mopalamente go ba gopola ka dinako tsotlhe ka a ba tlisetsa baeng ba ba ba thusang. BOKHUTLO society 9 Go fetola maitsholo go ka tsisa maduo Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Motokwe, Rre Rapelang Modise o kopile banni ba motse oo go rotloetsa bana go nna tlhaga mo thutong le go tsena sekole ka botswapelo. O ntshitse kopo e mo phuthegong ya batsadi le barutabana e e neng e tshwerwe kwa sekoleng seo bosheng. Rre Modise o supile fa sekole seo se latlhegetswe ke serodumo ka se kile sa bo se ntsha maduo a a nametsang, a kaya fa se ntshitse dialogane tse gompieno dingwe tsa tsone e leng dingaka. O ne a tswelela ka go supa fa sekole se ne se ntsha maduo le ntswa batsadi ba maloba ba ne ba ise ba tlhaloganye botlhokwa jwa thuto ka ba ne ba dumela gore ngwana o tshwanetse a nna kwa masimo kana merakeng go disa. A re mo nakong ya gompieno e batsadi ba setseng ba tlhaloganya mosola wa thuto, tsholofelo ke gore sekole seo se ka bo se tsabakela go feta metlha ya maloba. O ne a kopa dialogane tsa sekole seo go itshwaraganya le barutabana go bona gore ba ka fa bana thotloetso le go bona gore ba ka tokafatsa maduo jang gore serodumo sa sone seo se boele. Rre Modise o ne a supa fa lebaka legolo la kwelo tlase ya maduo e le go sa tseneng sekole sentle ga bana, ka jalo a kopa batsadi go netefatsa gore bana ba tsena sekole sentle le go nna ba kopa bana semmuso kwa sekoleng fa gona le ditshwarego kwa malwapeng gona le go lofisa bana ntleng le kitso ya barutabana. A re o lemogile fa bana ba na le bokgoni ba tlhoka fela thotloetso go tswa mo batsading gore ba tiisa moko, mme a kopa batsadi go etela sekole go ya go bona gore bana ba tsweletse jang, go na le go romela bo mogoloabone. O kopile bana go dirisa sebaka se ba se filweng go tsena sekole le go tsaya metshameko ka tlhwaafalo go itshidila mmele le maikutlo. Rre Joseph Kgalaeng yo e kileng ya bo e le mogokgo a kopa batsadi go bopa botsalano le barutabana gore go seka ga nna le mongwe yo o boifang yo mongwe ka se se leng botlhokwa e le go ntsha maduo a a nametsang. O supile gape fa go tswanetse ga nna le popagano magareng ga barutabana le mogokgo gore batle ba nne ba amogana maele go tlhabolola thuto ya bana. education 4 Baithuti ba shafatsa ntlwana ya tshidilo maikutlo Baithuti ba Gaborone Universal College of Law ba akgoletswe mowa o montle wa go lemoga letlhoko ba bo ba tsaya kgato. Ba akgotswe ka Labobedi ke mothusa mogokgo wa sekole se sebotlana sa Letsopa kwa Lobatse, Mme Maggie Tshoganetso morago ga gore ba shafatse ntlwana ya bogakolodi le tshidilo maikutlo kwa sekolong seo. Mme Tshoganetso o boletse fa seemo sa ntlwana eo se ne se sa jese diwelang e bile se sa tsamaelane le diemo tse baithuti ba kopanang le tsone. A re bogakolodi bo botlhokwa, ka jalo sekole se tlaa nna le fa go tshwarelwang bokopano jo bo faphegileng le batsadi teng, le gone go utlwa ka fa baithuti ba tshelang ka teng ba phuthologile go bua mathata a bone. Mme Ateng Basutli, yo e leng mongwe wa baithuti ba ba shafaditseng ntlwana eo, o ne a tlhalosa gore jaaka ba dira dithuto tsa botsogo, ba ne ba bona go le botlhokwa go kopana le setshaba se ba direlang mo go sone go tokafatsa seemo. Mme Basutli a re morago ga go sekaseka dikole tse di mo Lobatse, ba ne ba lemoga letlhoko la ntlwana ya tshidilo maikutlo e e faphegileng kwa Letsopa, mme ba bona go le botlhokwa gore ba tlhabolole ntlwana eo le go e tsenya didirisiwa dingwe jaaka bolao jwa go itheetsa fa mongwe a le bokoa le dibuka tse di rutang ka maele a botshelo. Mme Lucretia Moremi go tswa kwa lephateng la botsogo le boitekanelo kwa Lobatse o boletse gore botsogo jo bo siameng bo dira gore thuto e nne ya maemo a ntlha. A re maikaelelo ke gore go nne le sethaba se se itekanetseng se ntsha maduo a mantle. O ne a bolela gore lenaneo le le mo dikoloeng ke go fetola ka fa baithuti ba akanyang ka teng, bogolo jang fa ba gola gore ba itlhaloganye, ba itemoge, a tlatsa ka go re ba-na-le seabe botlhe ba botlhokwa gore sekole se ntshe maduo a maemo a ntlha. Morutabana wa tshidilo maikutlo le bogakolodi Mme Lokwalo Thobega o ne a lebogela baithuti bao le ba lephata la botsogo le boitekanelo thuso e ba e fileng sekoleo sa Letsopa. A re ntlwana eo e tlaa thusa go fodisa mewa ya baithuti ka go na le mekgabisa e e kgatlhang le melaetsa mo lobotaneng. BOKHUTLO education 4 Go itse tiro ya boeteledipele ke konokono Kgosi wa Chanoga mo kgaolong ya Bokone Bophirima, Rre Oateng Setlhodi a re go itse tiro ya moeteledipele ke konokono mo setshabeng. A re e bile go ka dira gore setshaba se go tshephe se bo se go rate fa o le moeteledipele yo o itseng tiro ya gago. Kgosi o buile jalo ka Labobedi (19/05/2015) kwa Chanoga fa a ne a buisa thuto puisano ya baeteledipele ba dikomiti tsa tsa motse, boeteledipele jwa dikereke le jwa makgotlana a kgwele ya dinao e gantsi e rotloediwang ke Tautona. A re go le gantsi batho ba tsena fela mo maemong a boeteledipele ntswa ba sa itse gore tota mme ba ya go bereka eng, ba simolola fa kae ba felela fa kae, mme a re boeteledipele ke tiro e e masisi e e tlhokang lorato le bopelotelele ka dinako tsotlhe. A re fela jaaka ba tsamaisa metse le dikgaolwana, ba tshwanetse go nna baeteledipele ba ba lepalepanang le diemo ka dinako tsotlhe, a tlatsa ka go re mme ba tlhoka yone thuto e e tseneletseng ya go nna moeteledipele. A re moeteledipele o tshwanetse go nna le kitso e e nonofileng e bile e tletse ka gore fa a se na kitso, o ya go latlha setshaba se a se eteletseng pele. O ne a tlatsa ka go re kitso e tla ka ditsela tse di farologanyeng; moeteledipele a sa itsapele go kwala, go bala le go reetsa gore a kgone go godisa batho ba a ba eteletseng pele. Kgosi Setlhodi a re moeteledipele o tshwanetse a lebelela le bokamoso e seng gompieno fela, a sa adime tshwene marapo, e bile e le motho yo o batlang go bona pharologanyo le phetogo ya ditlhabololo, a na le boitsholo jo bontle jo bo eletsegang mo setshabeng, a sa tlale bogale ka a re bogale ke bokoa. A re moeteledipele o tshwanelwa ke go nna pelotelele mo go sengwe le sengwe, a buelela batho a sa fele pelo. Mme a re ka Motswana a re moseka phofu ya ga gabo ga a swe lentswe, go sa kgathalesege gore motho o tla ga kae a bua ka kgang e le nngwe, o tshwanetse go thusiwa go fitlhelela a kgotsofala. A re go na le baeteledipele ba ba sa tshephegeng mo setshabeng. A re le yone nako fela ya gore motho o ya go buisa diphuthego kae leng e a ba palela. A re fa go ntse jalo, batho ba tlaa go bitsa maina a a farologanyeng ka jaanong ba sa tlhole ba go tshepha, mme a re bangwe ba tsaya go dira jalo e le tshameko. Kgosi Setlhodi a re ba tshwanetse ba tlhaloganye puisanyo e e lolameng e bile ba itsenya mo ditlhakong tsa ba ba ba setseng morago, gore e re a ba buelela kwa pele ka dilelo tsa bone, a ba a tlhaloganya se tota a buang ka sone. A re mme e bile ga ba kitla ba botsa dipotso tse di duleng mo tseleng fa go na le baeng ka gore ba tlaa bo ba itse sengwe le sengwe. Moemedi go tswa kwa ofising ya mopalamente wa Maun Botlhaba, Rre Moetetsi Mogalakwe ene o ne a ba ruta ka ditsela tse di farologanyeng tsa go ka itirela madi le gone go bona gore a tlhokomelwa jang gore a seka a fela. A re ba tshwanetse ba itse gore ba nne ba le phepa ka dinako tsotlhe ba itse fa e le baeteledipele mme e bile ba lebeletswe ke batho kwa ntle. A re ba itse fa go itirisetsa madi e seng ka fa molaong e le molato o motho a ka o sekelang. O ba boleletse gore ba nne ba tlhalosa gore ba kopa madi e bile ba a dirisa eng. A re ba ka dirisa maranyane a dibalamakgolo go batla madi ka gongwe mongwe yo o kgakala o ka nna le keletso ya go ba thusa mme a ba thusa motlhofo. Bagolwane go tswa kwa ofising ya boipelego kwa Maun, borre Lesego Seidisa le Letsweletse Maphane, ba ne ba gakolola boeteledipele joo gore melawana ya komiti ya ditlhabololo tsa metse e fetotswe le fa e sa fetolwa yotlhe. Ba tlhalositse fa gompieno maloko a komiti eo a tlhophiwa dingwaga tse tharo mme ebile go tlhomamisitswe gore ga ba a ikgolaganya le diphathi dipe tsa sepolotiki le gone gore ke batho ba ba itseng go bala sekgoa le Setswana. Gape ba re fa leloko le le tlhophilweng le sa tsenelele diphuthego gararo, khansele e filwe tetla ya go ka le tseela kgato e e gagametseng jaaka go le koba. Gape ba tlhalositse fa ba ka bona seo ka dintlha tsa phuthego. Ba re dibuka tsa madi di tlaa tlhatlhojwa nako le nako go bona gore a dilo di tsamaya sentle. Ba ne ba ba tlhalosetsa ka melawana e mentsi ba bo ba leboga kgosi ka dithuto tsa go nna jalo ba re le bone ba tlaa tsaya thuto eo go bolelela ba bangwe ka yone gore dikgaolo tse dingwe le tsone di ithute ka dikgang tse di botlhokwa tseo. BOKHUTLO politics 7 Seemo se tokafetse kwa Mc Connel Mogokgo wa sekole se segolwane sa Mc Connell College kwa Tutume, Rre Watson Basoli, a re maduo a a bonala mo sekoleng sa gagwe ka matshwenyego le dikgwetlho tse ba ntseng ba kopana natso di a rarabologa. Rre Basoli o buile seo mo bokopanong jwa batsadi le barutabana kwa sekole seo ka Labone (Moranang 30). O boletse fa ngogola ka yone nako eno, sekole se ne se setse se latlhegetswe ke baithuti ba le lesome le bobedi ka ntlha ya boimana. A re palo eo e fokotsegile ka monongwaga go dule ba le batlhano fela. Bogotswana le go thuba dithoto mo go neng go diragala thata kwa matlo a boroko a baithuti le go ne go fokotsegile, a solofetsa batsadi a re ba leka ka bojotlhe go go nyeletsa ka ponyo ya leitlho. Mogokgo a re go emisa megala ya letlheka gotlhelele go tsena ka kgoro ya sekole ke nngwe ntlha e e ba bereketseng ka go sena dikgang tsa go thubiwa le go utswa kwa matlo a baithuti. A re gape le maduo a ditlhatlhobo a supa fa ba lebile golo gongwe,selo se a supile fa cellpphone e ne e itaya baithuti tsebe ka ba ne ba sa ithuti. Rre Basoli o ile a kopa batsadi go bua le bana ba bone ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo bas a le banyenyane le ditlamorago ga gone. O ile a kgala batsadi a re ban a le mokgwa wa go tlisetsa ngwana mephuthelwana fela ba bo ba boele morago le go ikopanya le barutabana go utlwa ka fa ngwana a dirang ka teng go seyo mo go bone. A re gape batsadi bangwe ba fa bana ba bone madi le mephuthelwana e e fetileng selekanyo,a re seo se sira tlhaloganyo ya ngwana. Fa a ba abelana le bone ka maduo a ditlhatlhobo a ngogola,o boletse fa sekole se dikile se lekile fela thata ba kgone go tsaya maemo a lesome le bosupa ba tswa ko go masome a mabedi le bongwe. A re go santse go tlhaela kemo nokeng ya botsadi,a gatelela ka gore bone e le barutabana ba ititeile ka thupana go bona gore ga ele sengwe ban ne sengwe sa dikole tse di lesome tse di dirileng sentle monongwaga. Mogokgo a re gape se se motiisang moko go feta,ga a na dithuto dipe tse di tlhaelelwang ke barutabana le ntswa bangwe ele ba nakwana(temporary qualified teachers). E ne erile pele,fa a amogela batsadi,modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana,Rre Centy Sebopelo a leboga batsadi go bob a tsile ka dipalo tse di kwa godimo. Rre Sebopelo o ile a bolela fa go santse go na le batsadi ba ba kolotang madi a PTA le a a duela batho ba ba phepafatsang matlwana a boitiketso a baithuti.A re PTA e kolotwa madi a kanaka P679 400.A re madi ao ba ka kgona go thusa go thiba fale le fale mo ditirong dingwe jaaka go reka metshine e e ntsifatsang dipampiri tsa baithuti gore thuto e tswelele mme maduo a bonale. O ile a kopa batsadi go ititaya ka thupana go bona gore ba duela madi ao. education 4 Mapodisi a tlhotlhomisa bogodu jwa leruo Mookamela mapodisi a Nata, Superintendent Vincent Pitseetsile a re mapodisi ga ba jesiwe diwelang ke bogodu jwa loruo jo bo ileng magoletsa mo kgaolong ya Nata/Gweta. Mo potsolotsong le Supt Pitseetsile a re dikgomo tseo, di fitlhetswe mo lesakeng la babelaelwa kwa morakeng o o gaufi le Zoroga. A re morago go ne ga fitlhelwa nama ya kgomo e le yone go belaelwang e le ya bogodu. O tlhalositse fa ba tshwere dikgomo tse morago ga go longwa tsebe ke bangwe, fa ba ne ba supa fa go na le tshenyo nngwe e e diragalang kwa merakeng eo. O boletse fa mapodisi a fitlhetse tshipi e le nngwe fela ya babelaelwa bao mo dinamaneng tse tharo le kgongwana eo, tse a kaileng di ise di bone beng ba tsone. A re ba na le malatsi a le mabedi ba tshegeditse babelaelwa go ba thusa mo ditlhotlhomisong. O akgoletse kemonokeng ya setshaba mo go lwantsheng borukutlhi, mme a rotloetsa setshaba gore se tswelele ka go loma sepodisi tsebe fa go na le tiragalo e ba e belaelang, kgotsa e e sa tlwaelesegang mo tikologong ya bone. O ne a go gakolola setshaba, bogolo jang balemi-barui gore ba tlhokomele loruo lwa bone go itsa go saila le naga mo go fang magodu sebaka sa go itshwaela. A re go tlhoka tlhokomelo mo loruong ke gone mo go dirang gore lo nwe metsi mo macheng kwa e leng gore magodu a lo tseela teng. Supt Pitseetsile o tladitse ka go gakolola setshaba go ikuela kwa mapodising fa ba timeletswe ke loruo gore ba kgone go thusiwa. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Melawana ya phiro ga e obamelwe - Kwerepe Mothusa tona mo lephateng la ofisi ya ga Tautona, Rre Thato Kwerepe e bile e le mopalamente wa Ngami a re puso e lemogile fa badirelapuso bangwe ba sa sale morago melawana ya bone ya phiro. A re go botlhokwa gore badirelapuso ka dinako tsotlhe ba sale melawana ya bone ya phiro morago. Rre Kwerepe a re badirelapuso ba itse gore ga ba a tshwanela go itshupa gore ke ba diphathi dife. A re go sala morago diphathi tsa sepolotiki go dira gore ba seka ba thusa Batswana ka manontlhotlho le go isa mananeo a puso kwa Batswaneng. Mothusa tona a re bontsi jwa Batswana ga bo akole dithuso tsa mananeo a puso ka gore badirelapuso ba ba tshwanetseng go isa mananeo kwa bathong ke bone ba ba reng ga a na mosola ntateng ya sepolotiki se ba leng mo go sone. Mothusa tona o kopile badirelapuso go tswa mo sepolotiking ba thuse Batswana ka mananeo a puso gore ba kgone go itshetsa ka one. Rre Kwerepe a re le fa didirisiwa di tlhaela ba tshwanetse go leka ka bojotlhe gore Batswana ba bone ditlamelo jaaka go tswanetse. A re o lemogile fa bangwe ba badirelapuso ba sa bereke ba ipata ka tlhaelo ya didirisiwa. E rile badirelapuso ba akgela ba kopa mothusa tona go sekaseka gape dituelo tsa RASA, ba supa fa kgaolo ya bone e le kgakala le dibanka le mabentlele a matona. Ba re bone pele ba ne ba itse fa RASA e ne e duelelwa badirelapuso ba ba kgakala le ditlamelo jaanong ba ipotsa gore puso e ne ya emisa go duela RASA fa go rileng. Ba ne ba kopa gape gore dikamogelo tsa A3 di emisiwe ka gore ga di na mosola go lebeletswe go tura ga mabentlele. Ba ne ba ntsha sekai ka lefatshe la Namibia le la Afirika Borwa ba re dituelo tsa bone di kwa godimo fa di tshwantshiwa le tsa badirelapuso ba otswana. Ba ne gape ba ngongorega ka gore bangwe ba nna dingwagangwaga mo lefelong le lengwe fela mme moo go rotloetsa boitseme. Badirelapuso ba ne ba lela gape ka go nna sebaka se se leele ba sa tlhatlosiwe maemo. Ba supa fa golo moo go kgoba marapo mme e bile go na le seabe mo kwelong tlase ya maduo mo tirong. Ba ne gape ba ngongorega ka tlhaelo ya boroko, dikoloi le diofisi, ba kopa puso gore e bone gore e ka rarabolola jang mathata ao. Ba kopile tona gore fa ba isa badirelapuso ba dituelo tse di kwa tlase ba ba sekaseke pele ka gore batho bao ga ba na go kgona go berekela kwa toropong go lebeletswe dituelo tsa bone. Ba ne ba kopa gape gore banyalani ba isiwe kwa kgaolong e le nngwe go na le go isiwa kwa dikgaolong tse di farologaneng. Ba supa fa bontsi jwa banyalani ba tlhoka kutlwisisano ntateng ya go bereka ba katologane. E rile mothusa tona a araba dilelo tsa bone a tlhalosa fa puso e sa gane go kopana le makgotla a babereki. A re makgotla ao a tshwanetse go bolelela balatedi ba one nnete ya gore ke eng fa ba sa kopane le mhiri. A re go na le fa ba sa dumalaneng teng le mhiri mme mo tsamaong ya letsatsi ba tshwanetse go dumalana gore babereki ba bone dikatso. Rre Kwerepe a re puso e santse e le mo kwelo tlaseng ya itsholelo mme e tlaa leka ka bojotlhe go bona gore seemo se a tokafala. Mothusa tona o kopile baeteledipele gore fa ba ntsha badirelapuso ba dikamogelo tse di kwatlase ba ba sekaseke pele e bile go nne le dipuisano tse di tseneletseng. O kopile badirelapuso go tlogela tshenyetso Sechaba. Rre Kwerepe a re kgang ya gore ba kgethisiwa lekgetho le lentsi mo dituelong tsa bone o tlaa ya go bona ba ba maleba ka yone. A re barutabana ba tshwanetse go tswa ditoropong ba tsisiwa mo dikgaolong le bone ba dikgaolo ba ye go berekela kwa ditoropong le bone ba ithute botshelo jwa setoropo. E rile mookamedi mo lephateng la tsa phiro (DPSM), Rre Victor Manyanda a araba dilelo tsa bone a tlhalosa fa go tlhatlosiwa maemo go dirwa kwa maphateng, go lebeletswe maduo a motho mo tirong le dithutego. O ne a kopa badirelapuso ba ba kwa tlase gore ba ikoketse dithutego gore ba kgone go tlhatlosiwa maemo. Rre Manyanda a re dikamogelo tsa A3 le fa di ka ntshiwa go tshwana fela ba kope puso go oketsa dituelo, ke gone fela mo go tlaa ba solegelang molemo. A re go fudusiwa ga badirelapuso go tsaya dingwaga ka gore bangwe fa ba fudusiwa ba a gana ba bo ba ntshe le mekwalo ya dingaka. BOKHUTLO politics 7 Baagi ba Molepolole ba maoto a tshupa go kwadisa ditsha Mokwaledi wa lekgotla le lebotlana la kabo ditsha la Molepolole, Rre Nkwadisang Moipopi a re banni ba Molepolole le metse e e mabapi ba kwadisa ditsha ka dipalo tse di sa nametseng. E rile a bua mo potsolosong bosheng, Rre Moipopi a re fa e sa le ba simolola go kwadisa ditsha, go kwadisitse batho ba le 6 647 fela mo go ba le 30 180 ba ba neng ba solofetswe. A re seemo seo se tshwenya fela thata mme a re batho ba ka tswa ba dirwa maoto a tshupa ke dipelaelo tsa gore fa go ka fitlhelwa ba na le ditsha di le mmalwanyana di tlaa tsewa, selo se a supileng fa e se boammaaruri. A re ba leka ka ditsela tsotlhe go rotloetsa batho go kwadisa ditsha tsa bone jaaka go buisa diphuthego tsa kgotla, go bua le baemedi ba morafe jaaka makhanselara le gone go gasa molaetsa mo diromamoweng tota. O kaile gape fa ba na le maikaelelo a go bolotsa letsholo la go tsena ntlo le ntlwana le gone go ya kwa dikoleng go ya go neela bana mekwalo gore ba e ise kwa batsading ba bone. E rile a nankola dikgwetlho tse ba kopanang le tsone, o kaile fa batho ba sa tsenye mekono mo ditsheng tsa bone e bile ba sa reme ditlhare mme a re dilo tse di paledisa maranyane a bone go dupa sentle. A re gape go na le batho ba ba sa ageleleng ditsha tsa bone mme ba dirisa setlhare se se itsegeng ka leina la motsetsi mme a re se se ba ketefaletsa go dira tiro ya bone. O ne gape a re go na le dipalo tse dintsi tsa batho ba ba tsiediwang ke dinokwane ka motho a kgona go rekisetsa batho ba le bantsi setsha se le sengwe a dirisa setsha se le sengwe. O ne a rotloetsa morafe gore fa ba ngongorega kgotsa ba na le dipelaelo ba ka ikatumetse kwa diofising tsa bone kana kwa go ba sepodisi. O supile fa go le botlhokwa fela thata gore batho ba kwadise ditsha ka lephata le na le maikaelelo a go dira ditlankana tsa boleng jo bo kwa godimo jo bo tlaa fokotsang bonokwane jo bo dirwang ke batho ba ba gwebang ka lefatshe e seng kafa molaong. O ne a tswelela a supa fa go kwadisa ditsha go tsisa ditlhabololo le gone go fefosa ditlamelo ka ba nna le dipalo tsa gore go beilwe batho ba le kae e bile go setse lefatshe le le bophara bokae gore ba tle ba beye ba bangwe. O ne a rotloetsa batho ba ba sa nneng kwa metseng ya bone go ikwadisa ko lephateng lengwe le lengwe la kabo ditsha le le gaufi le bone mme a rotloetsa gore ba ba latlhileng ditlankana ba ye kwa dikgotleng go ya go dira mokwalo o o supang fa ba beilwe ka fa molaong. politics 7 Lenyora le tlhasetse kwa Khudumelapye Kgosi ya Khudumelapye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Edwin Ramokobetwane o supile fa a sa itumedisiwe ke letlhoko la metsi mo motseng wa gagwe. O buile seo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo. Kgosi Ramokobetwane o ne gape a tlhalosa fa a sa itumelele borakonteraka ba ba epang mahuti ba bo ba tlogela bas a a katela ka mahuti ao a ema metsi ebile a le borai mo baneng. O ne a supa fa asa itumelele ditsela tsa mo motseng di di sa tswang go tshelwa lekgwarapana a supa fa di le dinyenyane dikoloi di ka se fapaane.O ne a tswelala ka go supa fa a lebogela lenaneo la ipelegeng ka le thusa jaaka go agiwa ofisi ya kgotla kwa motseng oo. Kgosi o ne a ngongorega ka tlhaelo ya dikoloi tsa kgotla leya kokelo ka di sale di ya go baakanngwa mme ga di ise di boe fa e sale ngogola.Fa a ntsha pego ya komiti ya ditlhabololo ya VDC Rre Kopano Tsietso o ngongoregetse kgaogo ya motlakase kgapetsa kgapetsa fa go nna le maru.O kopile gape gore go patlaladiwe motlakase le metsi ka ditsha tse di ntsha di sena ditlamelo tsa metsi le motlakase ka e le kgakala.O ne gape a kopa gore go nne le molao o o patikang gore bodiredi jwa puso jotlhe bo se nne dingwaga tse di fetang lesome.Rre Tsietso o ne gape a supa fa ba tlhokana le matlo a boroko jwa badirela-puso. Fa a ntsha la gagwe mopalamente wa kgaolo la Takatokwane Rre Ngaka Ngaka o ne a lebogela banni go mo fa sebaka sa go nnna mopalamente wa bone mme a supa fa a tla bereka ka natla mo ngwageng tse tlhano ele mopalamente.Mopalamente Ngaka o ne a tlhalosa fa palamente e dumalane gore go ntsiwe lekgetho la VAT mo dijong di akaretsa boupi jwa borotho,paletshe,maungo le mashi.O ne gape a supa fa go ne ga ntshiwa lekgetho leo mo didirisiweng tsa temo di akarets dipolantere,megoma le diterekere go leka go rotloetsa temo le go fokotsa manokonoko a kwelo tlase ya itsholelo mo bathong. Rre Ngaka o ne a supa fa Ipelegeng e sa direlwa banana ka ban a le mananeo a le mantsi a a diretsweng go ntsha banana mo lehumeng. O ne gape a supa fa puso e tshwenyegile ka go kwadisiwa mmetela ga dikereke.O ne a tlhalosa fa palamente e sekaseka gore go fetolwe molao wa ikwadiso ya dikereke gore go okediwe palo ya balatedi gotswa kwa masome a mabedi go ya kwa go makgolo a mabedi le masome a matlhano.Mopalamente o ne a supa fa katoloso ya sekole se segolwane sa Mahupu e tsweletse.O ne a supa fa ba solofetse gore baithuti ba mophato wa bone ba tla amogelwa kwa sekoleng seo ngwaga o o tlang. Fa a mokgwa dikgaba Rre Seelane Kelailwe o ne a kopa gore go sekasekiwe kompone ya metsi ya Water Utilities ka dilelo tsa bone tsa metsi di ile godimo fa e sale Water Affairs e ithola ditirelo tsa metsi.O kaile fa go kgala ga metsi le go sa baakanye dipompo le go phatlalatsa metsi e le dikgwetlho tse ba di boning fa e sale kompone eo e tsaya ditirelo tsa metsi.Mongwe wa banni ba motse oo Rre Benjamin Bogosi o ne a sepa gore tsela ya Letlhakeng-Kaudwane e tsnenngwe mo lenaneong la NDP 11 ka tsela eo e se mo seemong se se itumedisang.O ne gape a supa fa tlhaelo ya didirisiwa e ne ya tlodisa bontsi jwa balemi temo. society 9 Balemi ba busetsa thobo kwa morago Go tlhoka go tshwaragana ga balemi ba merogo kwa Letlhakane go dira gore ba seka ba ntsha thobo e e lekanetseng go fepa setshaba. Bangwe ba balemi bao ba supile mo potsolotsong le lekalane la dikgang la BOPA gore, maiteko a bone a go kopana ba dira mokgatlho, a fetoga matsapa a lefela ka gore ga ba kgone go dumalana ka megopolo. Ba supile gore le fa setswana se re, ‘disela mmapa ga di ratane’, ba bona go le botlhokwa go tshwaragana e le bagwebi gore ba kgone go dira dipoelo tse botoka le go ntsha merogo e e lekaneng go kgotsofatsa bareki ba bone. Mongwe wa balemi, Rre Godwin Baolatotse, o tlhalositse fa a simolotse go inaakanya le kgwebo ya temo ya merogo ka ngwaga wa 2011, a gwetlhilwe ke go bona merogo e tlhaela mo kgaolong ya Boteti. Rre Baolatotse o supile gore o ne a fiwa botsipa jwa go lema merogo ke balemi ba bangwe ba ba neng ba setse ba inaakantse le kgwebo eo, le fa gone ba ne ba sena kitso e e kalo. Rre Baolatotse a re, le fa kwa tshimologong a ne a kopana le dikgwetlho tse di neng di dira gore a tswe a iphotlhere mo ngwageng wa ntlha, o ne a seka a ipona tsapa. A re, ka gotwe mmatla kgwana ya gaabo ga a swe lentswe, o ne a tswelela a tshwara ka thata go fitlhelela toro ya go ntsha thobo e e nametsang e diragala. O tlhalositse fa mo thobong ya gagwe, a ne a kgona go rekisetsa marekisetso a magolwane jaaka la Spar mo Letlhakane le kwa Orapa le la Shoppers. Rre Baolatotse o supile gore le mo nakong eno o ntse o rekisetsa bagwebi merogo ka go farologana, a akaretsa le bagwebi ba ba botlana ba ba rekisang mo mekgwatheng. O tsweletse a re, le fa gone kgwebo e tsamaya sentle go simolola ka ngwaga wa 2012, sebe sa phiri ke gore go nale dikgwetlho jaaka diji tse di kgoreletsang gore kgwebo e gole jaaka a ne a eleditse, e bile di tlhoka gore balemi ba merogo ba tshwaragane go di lwantsha. O supile gore melemo e e dirisiwang go bolaya diji, e turu gape e rekwa kgakala kwa mafelong a tshwana Francistown, ka jalo go bokete gore molemi a itebaganye le tsone a le nosi. Rre Baolatotse a re, kemonokeng ya balemisi ba ba lebaganeng le temo ya merogo le yone e a reketlha, ka jalo mo mabakeng mangwe molemi o palelwa ke go lemoga diji tse di senyang dijwalo tsa gagwe le gone go itse tsela kana melemo e e ka di lwantshang. A re, balemisi ga ba kgone go nna le nako ya go ba thusa sentle, a supa gore ba tlhoka go tlhatlhelelwa kitso e ba ka e dirisang go tokafatsa temo ya bone. Rre Baolatotse o supile fa tlhaelo ya didirisiwa le yone ele sekgoreletsi. Rre Baolatotse a re, selo se se tona se se mo tshwenyang thata ke gore balemi ba merogo mo Letlhakane ba maoto a tshupa go kopana, e bile go lebega ba sena maikaelelo a go bereka ba le seopo sengwe. O gateletse fa keletso ya gagwe e le go bona balemi ba merogo ba kopane go dira mokgatlho o o ka thusang go lwantsha dikgwetlho tse di kgoreletsang kgwebo ya bone. “Ke sale ke leka gore re kopane ka ngwaga wa 2013, mme ga re nke re dumalana ka nako e e re siametseng rotlhe , le ba ba dumalanang le nako e e beilweng, ba felela ba sa iponatse.” A re, go nna le mokgatlho e tla bo e le selo se se molemo mo baleming ba merogo botlhe ka gore, ba tla kgona go lema ba dirisa lenaneo le ba le kopanetseng gore ba kgone go tswakanya dijwalo le go ntsha tse di tlhokwang ke bareki. O tlhalositse gore mo nakong eno, ba lema dijwalo tse di tshwanang nako ele nngwe ntswa go le botlhokwa gore ba ntshe merogo e e farologaneng nako e le nngwe. Rre Baolatotse a re, go tshwaragana go ka thusa gore ba seka ba rekisa fela mo gae,mme ba kgone go phunyeletsa le mmaraka wa mafatshe a mangwe le gone go ntsha thobo e nang le boleng. Molemi wa monana wa dingwaga tse di masome a mabedi le boroba bobedi wa motse wa Rakops, Rre Tumelo Murumbonyane ene a re, o simolotse kgwebo ya merogo mo Letlhakane ka ngwaga wa 2010 ka thuso ya madi a P500 000 ke ba lekalana la CEDA. Rre Murumbonyane o tsweletse a re, ditlhotlhomiso tse a di dirileng mo mmarakeng wa merogo, di supa fa balemi ba sa kgone go kgotsofatsa bareki ka gore ba ntsha thobo e e sa lekanang. Rre Murumbonyane o supile fa go tlhoka babereki ba ba boikanyego e le sengwe sa tse di mo tshwenyang ka gore banana ga ba batle go bereka mo masimong le gone go nna teng, ka jalo se se dira gore a ketefalelwe ke tiro ka gonne o felela a dira ka palo e e kwa tlase ya badiri. O tlhalositse gore temo ya nosetso e turu ka gore e tlhoka metsi, a re, se, se babalela letlole la gagwe ka gore o tlhoka go reka leokwane kgapetsa – kgapetsa, ka jalo go botlhokwa go dira ba tshwaragane. O supile gape gore mogote o o kwa godimo mo kgaolong potlana eo, le one o dira gore molemi a dirise metsi a mantsi ,seo se oketse ditshenyegelo. A re, ga a kake a kgona go lema merogo mengwe jaaka segwere sa kwii ka gore e tlhoka metsi a mantsi. O tlhalositse gape gore go botlhokwa gore balemi ba merogo ba gokele motlakase kwa masimong a bone mme se, se ka kgonwa ke batho ba tshwaragane eseng motho a ikemetse a le nosi. Rre Murumbonyane o rotloeditse balemi ba merogo go itsosa le go thusana ka gore setshwarwa ke ntsha pedi ga se thata, a tlatsa ka gore bangwe ga ba kgone go ntsha thobo e e nametsang ka go tlhoka go tshwaragana, fa bangwe ba setse ba paletswe ka go sena kwa ba ka lebang teng go rarabolola dikgwetlho tse ba kopanang le tsone. economy_business_and_finance 3 Ba tshwaretswe go tlhoka go rwala dithiba molomo Mapodise a Tshane, a tshwere a bo ba atlhola batho ba kgaolo ya Hukuntsi le metse e e mo tikologong ba le lesome le boferabongwe, mabapi le go sa obamele molao wa COVID-19. Batho bao ba tshwaretswe go etela mafelo a a etelwang ke setshaba ba sa rwala dibipa-molomo. Mo puisanong le BOPA, Mookamela mapodise a Tshane, Superintendent Vusimuzi Jorowe a re seemo se, se a tshwenya ka jaana, dipalo tseo ba sepodise ba di fitlheletse fela mo malatsing a le marataro go simolola ka Phatwe a ya fifing go fitlhela Phukwi a tlhola malatsi a le matlhano. A re go ya ka molao wa COVID-19, modiramolato o ka lefisiwa madi a a sa feteng dikete tse tlhano tsa dipula a tlhalosa fa ba ne ba lefisa mongwe le mongwe P200. O tlhagisitse gore fa seemo se ka bifela pele, mapodise ba tla a tlamega gore ba gagamatse setoropo mo dikatlholong tsa bone. Superintendent Jorowe o supile fa ba itemogetse fa banana ele bone bo tshoso e rweleng ka go itira bo tsebe se utlwe mme a re go dira jalo go ka ba baya ga mmogo le setshaba mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare. O ne a supa gape gore ba itemogetse gore, go na le bapalami ba dikoloi tsa setshaba bangwe ba ba sa rwaleng dibipa-molomo, mme a tlatsa ka gore ba tla letsa thupa ka go otlhaya mopalami gammogo le mokgwetsi wa koloi ya go nna jalo. Ka jalo, o ne a gwetlha bakgweetsi ba dikoloi tsa setshaba go nna matlho a puso go netefatsa gore bapalami ba bone, ba obamela melao ya ba botsogo ka nako tsotlhe. Mo go tse dingwe, Supt Jorowe o ne a supa fa ba tshegeditse monna mongwe wa Lokgwabe go ba thusa ka ditlhotlhomiso morago ga go tshwarwa ka dipudi di le tharo tse go belaesegang e le tsa bogodu. A re monna yo, wa dingwaga tse di masome a mararo le boferabobedi, o ne a retelelwa ke go tlhalosa ka botlalo gore o amana jang le dipudi tseo. Supt Jorowe a re ka lesego nngwe ya dipodi tseo e ne ya bona mong fa tse pedi di santse di batlisiwa beng ba tsone. Monna yo, go ya ka mogolwane yoo wa sepodise o tla isiwa fa pele ga lekgotla la ga Mmakaseterata la Hukuntsi mo bogaufing go arabela melato ya bogodu jwa leruo. A re fa mmelaelwa a ka bonwa molato, o ka lebanwa ke dingwaga tse di lesome mo kgolegelong, dingwaga tse tlhano e le tsa go fitlhelwa ka leruo la bogodu fa tse tlhano tsone, e le tsa molato wa go retelelwa ke go arabela ka botlalo gore o amana jang le leruo leo. crime_law_and_justice 1 Kgosi Dipuo o se kotame Semelemethe sa batho go akarediwa tona wa thuto ya dikole tse dikgolwane, Dr Alfred Madigele e rile ka mafelo a beke sa ketemela kwa Gasegwagwa go ya go iponela ka oo-mabedi jaaka Kgosi Isaac-a-Botlhasetse-a-Dipuo-a-Botlhasetse-a-Serei-a-Mogakabe a ne a tlhongwa mo setilong. E rile a mo tlhoma mo setilong, Kgosi Daniel Mathiba wa Mmathethe a tlhalosetsa Kgosi Dipuo fa bogosi bo tshwana le bojalwa bo taga mme a mo kopa go tlotla le go tsaya mongwe le mongwe ka tekatekano. A re fa a ka dira jalo o tlaa tlotlwa ke morafe. Kgosi Mathiba gape o ne a tlhagisa Kgosi Dipuo gore a itse fa a tlaa tlotlwa le ke batho ba bagolo thata mo go ene ba bo ba mo sutela mo ditilong fa a goroga mme a mo kopa go lebogela selo seo gonale go se tsaya ele tshwanelo. Kgosi Mathiba, yo e bileng e le mongwe wa balemi ba popota mo Borwa, o ne a gatelela fa go le botlhokwa gore Kgosi a iperekele ka natla yotlhe, a tlhalosa fa go dira jalo go ka mo thusa go tila go iphitlhela a amogetse dimpho dingwe tse a ka di fiwang ke bangwe ka maikaelelo a go mmipa molomo a tloge a felele a busa ka tshokamo. Kgosi Mathiba o bile a kopa Kgosi Dipuo go amogela baeng mo motseng wa gagwe, a re go dira jalo go ka thusa go tlhabolola motse. A re go amogela baeng go ka ba tlela ka dikitso le methale mengwe e mesha ya go dira dilo tse di ka tokafatsang matshelo a beng-gae. O ikuetse fa a tshwenngwa ke gore bangwe Batswana ga ba amogele Batswana ka bone ba ba tlholegang kwa mafelong a sele ba bo ba ba bitse Batswakwa, selo se a tlhalositseng fa se le kgatlhanong le molao. Gape o kopile Kgosi Dipuo yo o santseng e le monana go itlwaetsa go etela mafelo a mangwe, selo se a reng se ka mo fa megopolo e a ka tlang go tlhabolola motse ka yone. Kgosi Mathiba o ne a gwetlha Kgosi Dipuo gore e le monana, a batle maano a sesha a go tlhabolola motse, segolo jang a ikaegile ka di-tsa tlholego tse di ka fitlhelwang mo kgaolong ya gagwe jaaka tlhojana yoo-Mogakabe e e kwa Bophirima jwa motse oo. O mo file sekai ka Khawa kwa Kgalagadi a ba a tlhalosa gore metshameko ya dithuuthuu ya ngwaga le ngwaga e e tshwarelwang koo e o tumisitse e bile banni ba koo ba roba sengwe mo go yone. E rile a ntsha la gagwe, mookamedi wa lephata la makgotla a Setswana, Mme Masego Mooketsi a re puso e lebogela seabe sa dikgosi mo pusong eno ya batho ka batho. A re puso e lebogela gore dikgosi di dirile mothao o o lolameng o maduo a one a akolwang ke Batswana botlhe gompieno mo lefatsheng leno mo e bileng le melediwa mathe ke ditshaba. Mme Mooketsi le ene o ne a kopa Kgosi Dipuo go tlotla le go direla morafe ka bojotlhe le go nna pinagare ya mongwe le mongwe ka dinako tsotlhe go sa kgathalesege gore a ke mohumi kgotsa mohumanegi. Mookamedi gape o ne a akgolela morafe wa Gasegwagwa go bo o tlhomile Kgosi Dipuo mo setilong go sena mokgwasa. A re o tshwenngwa ke ditsheko tsa go lwela bogosi tse di golelang pele e bile go le gantsi di felela kwa makgotleng a ditsheko mo mafelong mangwe mme bone a ba lebogela go bo ba tlositse dipharologanyo tsa bone ka kagiso. Mme Mooketsi o solofeditse fa a tlaa rulaganyetsa Kgosi Dipuo le bangwe ba basha jaaka ene dithuto tse di tlaa ba thusang go dira tiro ya bone ka botlalo. Dr Madigele e rile a leboga a kopa morafe go tlotla Kgosi Dipuo a ba a tlhalosa fa go tlotla kgosi e le go boifa Modimo. Dr Madigele gape o kopile Mookamedi go fefogela dikgang tse di ka thusang dikgosi go dira tiro ya tsone ka bofefo. Ya re a amogela thomo, Kgosi Dipuo a tlhalosa fa a tlhaloganya gore bogosi ke jone mokwatla wa puso ya batho ka batho e e renang mo lefatsheng leno, ka jalo a re e le kgosi le ene o itse fa a tshwanetse go tlotla bogosi. Kgosi Dipuo gape o solofeditse morafe fa a tlaa tlotla mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore a ke mohumi kgotsa mohumanegi e bile a tlaa ila pipamolomo lobaibai. Morafe one wa abela Kgosi Dipuo dikgomo, dihutshane, madi, dikoko, dijo le didirisiwa tsa ntlo. BOKHUTLO society 9 PPADB e diretswe go lolamisa tsa theko le thekiso Mogolwane wa kwadiso ya dikonteraka wa PPADB Rre Bosiame Seomile o tlhaloseditse makhanselara a kgaolo potlana ya Boteti ka diterelo tsa lephata la bone . Rre Seomile o tlhalositse jalo ko phuthegong ya khansele potlana ya Boteti ko Letlhakane ka Mosupologo,a re lephata la PPADB le itebagantse le theko le thekiso ya dithoto tsa puso. Rre Seomile a re maikalelo a lephata la bone ke go bona gore theko le thekiso ke ya boleng ,ee maleba , ditlhwatlhwa tse di maleba,le ka nako. A re dithendara tsa dithoto tse di tshwanang di tshwanetse tsa tshwana le gore batho ba ba di tsenelelang ba tshwanetse ba tsewa ka tekatekanyo e bile go direlwa dilo mo pontsheng . O tsweletse a re gape fa leloko la baba sekasekang dithendara a lemoga gore gona le mongwe yo a mo itseng ka tsela ngwe o tshwanetse a supe gore a seka a tsena mo lekokong le le di sekasekang. Rre Seomile o tlhalositse gore baikopedi ba tshwanetse ba tlhalosediwa ka bongwe ka bongwe gore ga ba kgona jang,gore fa ba paletsweng teng baye go baakanya. A re dingongorego di tshwanetse tsa isiwa pele ga malatsi a le lesome le bone dile mo mokwalong e bile go na le bosupi . A re ba dira thulaganyo ya go baya bagwebi golo gole gongwe goya ka ditirelo tsa bone,a re go tlhoka gore konteraka e bo e kwadisitswe ko PPADB. A re kwadiso e thusa gore ba bone gore a rakoteraka gaana tiro enngwe le gore a a rakonteraka o fiwa tiro ya selekanyo sa gagwe. Rre Seomile a re ba simolodisa lenaneo le lesha la ikopelo mo maranyaneng a segompieno Internet, a re se se tla tokafaletsa Batswana dikgwetlho tse bantseng ba kopana le tsone fa ba batla go kwadisa. E rile a akgela, mokhanselara yoo itlhophetsweng Rre Jeffery Nsiwa a lebogela pego ya PPADB a re ba amule dikitso tse di botlokwa, tse a reng batla di kgaogana le morafe. Rre Nsiwa a re kgang ya maranyane e tla thusa go solarela nako le madi tse e ntseng e le le kgwetlho mo batho baba kwadisang ko PPADB. Mokhanselara wa Mosu Rre Salammu Tsapo a re o solofela gore diphetogo tsa ikwadiso di tla fokotsa sekgele se batho bantseng ba se tsaya . Mokhanselara wa kgaolo ya Khumaga/Moreomaoto Rre Thomas Kgethenyane a re tshenyetso sechaba e teng mo kabong ya dithendara ke gore batho ga ba tshwarwe. Rre Kgethenyane a re kgang ya maranyane e botlhokwa mathata ke gore ba ya go tsenya maranyane a a turang go bo go nna thata gore morafe oa dirise ,gape a re network ga e yo mo mafelong a mangwe. Otsweletse a kopa ba PPADB gore ba anamisetse ditirelo tsa bone kwa setshabeng. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ntimbale Challenge e ya Masingwaneng E tlaa re ngwaga o o tlang kgwedi ya Tlhakole e le masome a mabedi le borataro, ditsela tsotlhe di lebe kwa Masingwaneng kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba jaaka go tlaa bo go tshwerwe moletlo wa Ntimbale Challenge. Moletlo oo wa Ntimbale Challenge, o o tlaa bong o kopantse ditiragalo tsa bojanala le tsa ngwao o tlaa tshwarelwa kwa lefelong le le mo tikologong ya letamo la Ntimbale. Monni mongwe wa Masingwaneng, Rre Oteng Mokowe o ne a nna le tebelopele ka jalo a tswa ka mogopolo mabapi le moletlo oo wa Ntimbale Challenge mme o ne a o rekisetsa banni ba motse wa gagwe le mengwe e e mabapi ya Gulubane, Mambo, Sechele, Makaleng, Matenge, Botalaote le Toteng. Banni ba metse eo ba ne ba atla mogopolo oo fela thata mme ba itlama go pataganela dithulaganyo tsotlhe tsa moletlo, ka jalo metse eo e tlaa nna le sebaka sa go akola lemmenyana le le tla kgobokanngwang mo moletlong oo. Fa a simolodisa semmuso moletlo wa Ntimbale Challenge kgwedi ya Ngwanatsele e le masome a mabedi le boferabobedi, mogolwane go tswa kwa lephateng la tikologo, diphologolo le bojanala, Rre Boat Modukanele e le mogokaganyi wa tlhokomelo ya matlotlo a di tsa tlholego mo metseng, o ne a re go lebega Batswana ba setse ba lemoga fa go tlhokafala gore ba dirise ditsatlholego go tlhabolola matshelo a bone. A re go a itumedisa go bona Ntimbale Challenge e simolodisiwa ke beng gae e bile ba supa fa ba le moono mongwe mo go se ba batlang go se dira, go se motse ope o o batlang go ikemela ka nosi, a re seo se supa fa ba na le maikaelelo a go ya golo gongwe ka mogopolo oo. A re Rre Mokowe o dirile namane e tona ya tiro ya go lere mogopolo oo, a re go a itumedisa gore e re bana mo metseng ba sena go tsaya malebela a dilo dingwe, ba dire bojotlhe go di gogela kwa ba tlholegang teng. Rre Modukanele o ne a tlhalosa fa puso e tsere tshwetso ya gore letamo lengwe le lengwe le le agiwang le dirisediwe mo ditirong tse di ka thusang go tsosolosa matshelo a batho jaaka bojanala, temo ya nosetso le tse dingwe. O tsweletse a re go simolodisiwa ga Ntimbale Challenge go tlaa solegela molemo banni ba kgaolo ka jaana ba tlaa nna le sebaka sa go inaakanya le dikgwebo di tshwana go rekisa dijo le tsa go fa baeng boroko, ka jalo o ne a rotloetsa banni ba metse eo go tshwara ka thata go netefatsa gore moletlo o gola ngwaga le ngwaga. Rre Modukanele o ne a rotloetsa thata tshomarelo ya ditsatlholego, a re di tshwanetse tsa sirelediwa le go dirisiwa ka fa tshwanelong, a re Batswana ba tshwanetse ba itse fa ditsatlholego tse di mo tikologong ya bone ba ka dira dipoelo dingwe ka tsone. E re ka jaana letamo la Ntimbale le reeletswe ka dithaba tse di mo lefelong leo, Rre Mokowe o ne tlhalosa fa a ne a lemoga fa tikologo ya Ntimbale e kgatlhisa, ka jalo e le mo maemong a a siameng go ka oka bajanala mme a felela a dule ka mogopolo wa Ntimbale Challenge gore tikologo eo e nowe moro. A re o ne a lebeletse gore moletlo oo, o tlaa fokoletsa banni ba kgaolo bogolo jang banana manokonoko a letlhoko la ditiro le gone go fokotsa botlhoki tota, ka jaana ba tlaa inaakanya le ditiro dingwe tse ba ka itshedisang ka tsone. arts_culture_entertainment_and_media 0 Mokgatlho o kopa kemo nokeng Mothusa modulasetilo wa mokgatlho wa Mmabana Trust kwa Lerala, Mme Grace Motsamai o kopile boeteledipele jwa motse go ema nokeng mokgatlho wa gagwe. Fa a bua kwa letsatsing la botsogo le le neng le rulagantswe ke mokgatlho oo bosheng, Mme Motsamai o boletse fa bogogi jwa motse le morafe ba sa kgone go amogela mokgatlho wa Mmabana Trust ntswa o na le seabe se setona mo matshelong a motse wa Lerala. Mme Motsamai o gwetlhile bogogi jwa motse gammogo le dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse wa Lerala go ikgakologelwa ba bo ba godisa boleng jwa mokgatlho wa Mmabana Trust. A re go utlwisa botlhoko ka go bona komiti ya ditlhabololo tsa motse gammogo le bogogi jwa motse ba sa eme ka dinao go lemoga mokgatlho o, ntswa o le botlhokwa thata mo botshelong jwa motse oo. A re mo nakong e e fetileng komiti ya ditlhabololo tsa motse e ne ya goga dinao e ne e tshwanelwa ke go ba supela gore ba agelwe dikago tsa mokgatlho kwa setsheng sa mokgatlho wa Mmabana Trust ke kompone nngwe, mme ba felela ba tlodilwe ke moyetla oo, ka go ne go bolelwa fa ba diegile. A re mokgatlho wa Mmabana Trust o simolotswe ka ngwaga wa 2001, maikaelelo a one e le go tlhokomela masiela ka ba ne ba itemogela kgolo mo kanamong ya mogare wa HIV le bolwetsi jwa AIDS mo lefatsheng leno, mo bana ba le bantsi ba neng ba sala e le masiela. Mme Motsamai a re bontsi jwa bana ba ne ba sala ba sena batsadi fa bangwe ba bana bao ba ne ba sala le bagolo ba ba sa kgoneng go ba tlhokomela ka ba itshetsa ka temo-thuo, ke ka moo ba neng ba bona gore ba simolole mokgatlho o ka imololang batsadi bao morwalo. A re mokgatlho wa Mmabana Trust o itebagantse le go tlhokomela masiela le bana ba ba mo diphatseng mo motseng wa Lerala. A re fa kemo nokeng e ne e le teng, mokgatlho wa gagwe o ka bo o tsamaya kwa pele mo sengwe le sengweng. Mogokaganyi wa mananeo a mokgatlho wa Mmabana Trust Mme Tuduetso Molemogi o ne a bolela fa go na le bana ba ba ba amogelang, ba batsadi ba bone ba leng kwa tlase ka dingwaga. O boletse fa seo se ne sa ba gwetlha go simolodisa mokgatlho o tla rutuntshang banana ka bodiphatsa jwa go tlhakanela dikobo dingwaga tsa bone di sa ntse di le kwa tlase. A re ka jalo, ba bona gore ba tsene ntlo le ntlwana go fa dikgakololo, ba buisanya le banana ka go ikgapha le go kopa batsadi go fa bana dikgakololo le go ba kgalema. Bokhutlo society 9 Bana ba tlhoka tshireletso ya batsadi Mothusa Tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso a re bana ba tlhoka malapa a a kitlanyeng go ba sireletsa mo dikgwetlhong tsa botshelo. Fa a bua kwa Mookane ka letsatsi la segopotso sa ngwana wa moAforika, Mme Tshireletso a re bana ba iphitlhela ba lemo diphatseng ba sale bannye ka ntlha ya dikgoberego tsedi mo malwapeng a bone. Mothusa tona a re e re le ntswa lelwapa e le lone le le nang le maikarabelo a go godisa ngwana le go mo aga gore a nne motho yo o botoka mo botshelong,malwapa jaanong ke one a a senyangbokamoso jwa bana. A re mo Botswana, bana ga ba golele mo malwapeng a a lolameng ka bontsi ba nna le motsadi a le mongwe, segolo jang wa mme, mme se se dire gore ba tlhaele lorato la motsadi warre. A re ditlhalano di ile magoletsa mo Botswana, mme se, le sone se baya bana ka fa mosing ka batsadi fa ba kgaogana ba leba dikeletsotsa bone fela mme ba lebale gore mo bokopanong ja bone go nnile le bana. A re kgaogano ya batsadie tsisa tsietsego mo baneng ka ba latlhegelwa ke tshepho mo bathong ba ba kileng ba ba leba e le bone bagakolodi ba batona. O ile a kgalela bomme mokgwa wa go lobela bana borraabo, a re se le sone ke nngwe ya dilo tse di amang ngwana ka mongwe le mongwe a na le keletso ya go itse kwa a tlholegang teng. A re tlhoka kutlwisisano fa gare ga mme le rre ga e a tshwanela go dira gore mme a thibele ngwana go nna le botsalano le rraagwe ka ngwana a tlhoka lorato la bone botlhe. Moemedi wa Lekgotla la Unicef, Mme Julianna Lindsey, a re lefatshe la Botswana le dira maiteko a magolo go dira gore ngwana a golele mo kgololesegong. Mme Lindsey a re mananeo a lefatshe le a go tlhabolola botshelo jwa bana a tlhoka go tokafadiwa gore a ba solegele molemo. A re Botswana o botoka thata mo go tshegetseng ditswhanelo tsa bana go tshwantshanngwa le mafatshe a mangwe a Aforika a go nnang le dintwa, kwa bana ba patelediwang go nna masole, basetsana ba thubediwa e bile bana ba rontshiwa tshwanelo ya thuto. O ne a tshwaela gore bana mo Botswana ba sa ntse ba na le dikgwetlho tsa go amiwa ke mogare ka bontsi, lehuma le go tlhoka ditlamelo di tshwana letsa botsogo,metsi a a phepa le thuto. BOKHUTLO. society 9 Tsamaiso ya kopo ditsha e yosi Tsela ya go tsenya kopo ya setsha e nngwefela e bile e tshwanetse ya salwa morago. Mothusa mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Bamangwato mo Letlhakane, Rre Gotlhe Dikaelo o tlhalositse jaana bosheng mo phuthegong e e neng e buiswa ke mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe kwa kgotleng ya Tawana Bophirima. O supile fa go sena molao o o letlelelang motho go ipaya, a tlhalosa gore le fa motho a ka tswa e le lekgwelwa, kana a sena masika, seo ga se mo fe tetla ya go ipaya. Rre Dikaelo o supa gore fa moikopedi a tla ka thulaganyo e e lolameng e e tlhaloganngwang ke Motswana mongwe le mongwe o a bewa. A re ope yo o tlang ka thulaganyo ya boipelego o a bewa, mme a re sebe sa phiri ke gore kabo ditsha e lebanwe ke kgwetlho e tona ya letlhoko la madi a go duela ditsha tse di tserweng mo go beng. O ne a tlhalosa fa go na le mabaka a a diang gore peo ya ditsha e ka tsweledisiwa, jaaka go potiela ditsha le go dira moalo, a supa fa go bewa ditsha ka go tlhatlologana, a tlatsa ka gore la bofelo go bewa ditsha mo Letlhakane ke ka 2006. Rre Dikaelo a re go na le batho ba ba neng ba tswa kwa dipolasing ba bo ba ipaya mo Letlhakane, mme a re batho bao ba a itsewe e bile ba a sekasekelwa gore ba ka thusiwa jang. A re go na le ba ba tswang kwa magaeng a bone le mo malwapeng a bone ba bo ba tla go ipaya mo Letlhakane, a supa fa go ipaya go ile magoletsa mo o ka reng go a gaisanwa. O ne a kaya gore bontsi jwa batho fa ba bona lekgotla la kabo ditsha le leka go baakanyetsa go thusa bomaipaafela, ba simolola go thibelela ba ipaya ka tumelo ya gore tsela e e bofefo ya go bewa setsha ke go ipaya. Moplamente Lelatisitswe o ne a gatelela ka go tlhalosa fa tsamaiso ya peo ditsha e dirwa ka mealo, mme se se dire gore thulaganyo e tsee nako e ntsi. O tlhalosa fa se se felela se dira gore Batswana ba nne mo kgatelelong ka ntata ya go tlhoka lefatshe mme ba iphitlhele e le bomaipaafela. Rre Lelatisitswe a re diemo tsa kabo ya lefatshe di a sekasekwa go bona gore ba ka thusiwa jang. A re fa go dirwa ditshekatsheko go bo go fitlhelwa mongwe a na le setsha mme a ipeile, seemo se se ka ba baya ka fa mosing. A re go na le bangwe ba e leng gore ke banana mme ba dule kwa malwapeng a batsadi, bangwe ba tswa kwa magaeng a bone, fa bangwe ba tswa kwa Selebi Phikwe go tla go batla ditiro mme ba bo ba felela ba ipaya. O ne a tlhalosa fa go na le bangwe ba ba tswang kwa merakeng e ba neng ba direla kwa go yone, mme ba iphitlhetse e le bomaipaafela. O rotloeditse ba ba tsentseng dikopo go nna ba tlhola gore ditsha tsa bone di bokgakala bo kae le go bewa, ga mmogo le go itshwaraganya le dikgosi, komiti ya ditlhabololo tsa motse, a re se se ka thusa gore e re go gatelwa pele go bo go tshwaraganwe. Mokhanselara Boitshwarelo Mopedi a re go ipaya go dirile gore go nne le tlhakatlhakano, ka bontsi jwa dinomore tsa ditsha di ne di farologana le moalo. Mongwe wa bomaipaafela, Mme Sandra Marata o supile fa e le khutsana mme e bile a tlhokomela bomonnawe, seemose se se dirileng gore a felele a nna maipaafela ka a tlhokile thuso kwa go ba boipelego. society 9 Mapodisi a tlhotlhomisa loso lwa losea Mapodisi a Tonota a tshegeditse batsadi ba babedi go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le loso lwa losea lwa dikgwedi tse supa. Mo potsolotsong bosheng, mogolwane wa mapodisi, Superintendent Kenanao Badumetse, o boletse fa tiragalo eo e diragetse ka Mosupologo mo mosong morago ga gore batsadi bao ba fitlhele ngwana a tlhokafetse mme ba ne ba letse le ene fela a siame. O tlhalositse fa monna a tlholega kwa lefatsheng la Zimbabwe mme mosadi ene a tlholega kwa Mabesekwa. Supt Badumetse a re setopo se kwa setsidifatsing sa sepatela sa Nyangabgwe go tlhathobiwa ke ba bongaka. Mo go tse dingwe a re ba tlhotlhomisa loso lwa monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le boraro yo o fitlhetsweng a akgega mo setlhareng . Supt Badumetsea re tiragalo eo e diragaletse kwa masimong a Makomoto ka Sontaga bosigo. O tlhalositse gore moswi o ne a tlhoka kutlwisisano le mokapelo. O supile fa setopo le sone se le kwa sepateleng sa Nyangabgwe go tlhathobiwa ke ba bongaka. Supt Badumetse a re ba kwadisitse kotsi e e masisi e mo go yone mokgweetsi wa koloi ya modiro wa Kia Soranto a neng a latlhegelwa ke taolo ka jalo ya tswa mo tseleng. A re kotsi eo e diragetse mo tseleng ya A1 dikhilomethara tse tlhano go tswa mo Tonota ka nako ya lesome le bongwe bosigo ka Sontaga. Supt Badumetse a re koloi eo e ne e na le bapagami ba le babedi, monna le mosadi le fa gontse jalo mosadi o robaditswe kwa sepateleng sa Nyangabgwe go alafelwa dikgobalo fa monna ene a dule fela a sena dikgobalo. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Mmelaelwa o tlaa emela tsheko mo kgolegelong E rile bosheng Galetshabiwe Mbuba wa kgotla ya Kgosing kwa Kumakwane, yo o lebisitsweng molato wa go leka go bolaya batho ba le supa ka go ba tshubela mo ntlong a itshupa fa pele ga ga mmakaseterata wa Molepolole, Mme Keneilwe Koobake go ikopela go emela tsheko kwa ntle ga kgolegelo gonne a re ke ene a tlhokomelang bomonnawe ba le babedi le ngwana wa gagwe. Fa a tswa la gagwe, Mosekisi Sub Inspector Mishingo Kedikanetswe wa sepodisi sa Thamaga, o kopile gore mosekisiwa a seka a fiwa sebaka sa go emela tsheko kwa ntle ga kgolegelo ka ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. Sub Inspector Kedikanetswe o tlhalosa fa kgang e e le ntsha go begwa ke mapodise a Kumakwane kwa go ba sepodise sa sephiri, ka jalo go se maleba gore mosekisiwa a fiwe sebaka sa go emela tsheko kwa ntle ga kgolegelo. A re go fa mosekisiwa sebaka sa go emela tsheko kwa ntle go ka baya bangongoregi mo diphatseng. Fa a gana kopo ya mosekisiwa, Mmakaseterata Koobake o tlhalositse gore mosekisi o begetse lekgotla gore ditlhotlhomiso di santse di tsweletse, ka jalo ga go kake ga kgonega gore o ka emela tsheko kwa ntle. Mosekisiwa o lebisitswe melato ya go leka go bolaya ka go tshuba ntlo e bangongoregi ba neng ba robetse mo go yone Sedimonthole a tlhola malatsi a le mane kwa kgotleng ya Goo-Dinti kwa Kumakwane. Mbuba o tlaa itshupa gape fa pele ga lekgotla kgwedi eno e le masome mabedi le boraro. crime_law_and_justice 1 Borukhuthi bo tlhora banni boroko Banni ba Jackalas 1 ba ikuetse mo pusong go emela ka dinao seemo se se sa jeseng di welang sa borukhutlhi kwa motseng wa bone. Fa ba itekodisa mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, Rre Biggie Butale, mo phuthegong ya kgotla ka Labotlhano, banni ba supile fa seemo se se etegediwa ke go bo motse wa bone o le mo molelwaneng. Mongwe wa banni, Rre Michael Muzola o kaile fa ba sa sireletsega ka jalo ba tshelela mo letshogong. A re mo mabakeng a le mantsi, dirukhutlhi tseo di tlolela ka fa lefatsheng le le mabapi la Zimbabwe morago ga go dira tshenyo mo motseng wa bone. Rre Muzola o ne a supa gape fa kgoro ya molelwane ya Ramokgwebana e e mo motseng wa bone le yone e sa sireletsega ka e sa dirise ditsela tsa segompeino tsa go phuruphutsha dithoto tsa b aba fetang ka yone. A re ka fa ntlheng ya molelwane ya lefatshe la Zimbabwe go dirisiwa ditshipi tsa maranyane go dupa dithoto go tlhola gore a go sepe mo go tsone se se sa tshwanelang go tlodisiwa molelwane, fa mo letlhakoreng la lefatshe la Botswana gone go tlhola badiri ba namana. Se a re ga se a lebana ka jaana go se bonolo gore badiri ba tlhole dithoto tsa dikoloi tsa megobagoba sentle ka motlhale o ba o dirisang o ba bakela letsapa le le felelang le ba itsa go dira tiro ya bone ka manontlhotlho. A re fa puso gongwe e ne e ka akanya go baa dintsa tse di dupang dithoto kwa kgorong eo ya molelwane seemo se ne se ka tokafala ka dilo dingwe tse di borai di ne di ka bonwa mme tsa thibelwa go ka tsena mo lefatsheng leno. Mme Vivian Thembe le ene o ne a lela ka go sa sireletsang ga banni ba motse oo. O kaile fa batho ba tlhaselwa ke dilalome gangwe le gape le ntswa go nale kampa ya masole mo motseng oo. Rre Zamile Ncube ene o ne a lela ka diketekete tsa madi tse puso e di dirisang go busetsa batho ba ba tseneng mo lefatsheng leno e se ka fa molaong kwa mafatsheng a bone. A re fa batho ba go nna jalo ba ne ba ka amogiwa dithoto tsa bone dipalo tsa bone di ne di ka wela tlase ka ba ne ba tlaa bo ba sa sologelwe molemo ke go tsena mo lefatsheng leno. Fa a tshwaela mo mafokong a banni, mopalamente Rre Butale o ne a tlhalosa fa a tla latedisa dikgang tsotlhe tsa bone go bona gore di ka rarabololwa jang. E ne e rile go le pele a ba itsese fa palamente e dumalane le molao-kakanyetso wa gore go ntshiwe lekgetho la VAT mo didirisiweng tsa temo, se e le tsela ya go tlhofofaletsa Batswana go di reka. O ne a bua gape ka molao-kakanyetso wa go fetola ditsetlana dingwe tsa tsamaiso ya kwadiso ya makgotla mme a supa fa mogopolo e le gore palo e e tlhokegang go kwadisa dikereke e okediwe go tswa mo go lesome go ya kwa go makgolo a mabedi le masome a matlhano. Maikaelelo a se, Rre Butale o boletse fa e le go laola go runya ga dikereke mo lefatsheng leno. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Kotsi e gapile matshelo kwa Bokaa Kotsi e gapile matshelo a batho ba le babedi fa diponeng tsa mosepele tsa Bokaa. Go ya ka mogolwane wa sepodisi sa Mochudi , Superintendent Olebile Sitale o boletse fa kotsi eo e diragetse Labone (03-12-15) ka nako ya borobabongwe bosigo a tlhalosa fa koloi ya modiro wa Mazda familia e e neng e pegile batho ba le bane e ne ya thulana le koloi ya mogobagoba e e neng e rwele semente. Superintendent Sitale a re batho bao botlhe ba ne ba ragosediwa kwa sepateleng sa Deborah Retief Memorial mo Mochudi ko dingaka di ne tsa rurifatsa fa mokgweetsi wa mazda familia yo e leng monna yo o dingwaga tse di masome a mabedi le borataro le ngwana wa gagwe yo o ngwaga o le mongwe ba ne ba setse ba tlhokafetse. O tsweletse a re mokgweetsi wa koloi ya mogobagoba yo o dingwaga tse di masome a mabedi le borobabongwe ga a bona dikgobalo dipe a tlatsa ka gore bapagami ba le babedi ba Mazda Familia ba mogolwane wa mapodise a tlhalositseng fa e le mosadi le mmagwe ba santse ba robaditswe ko DRM. Superintendent Sitale o boletse fa ba santse ba tlhotlhomisa gore ke mang mongwe wa bakgweetsi yo o sa obamelang matshwao a tsela a tlatsa ka gore mongwe mo go bone o ne a tsenelela dipone tsa mosepele. A re mokgweetsi wa Mazda Familia yo o tlhokafetseng o ne a nna ko Ledumadumane ko Mogoditshane a tlatsa ka gore ga ba ise ba tlhomamise fa a ne a tlholega teng kana jang. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Monana o rotloetsa balekane go dirisa mananeo Mogwebi wa monana kwa kgaolong ya Ramonaka, Rre Emmanuel Nkwe, o rotloeditse banana go dirisa mananeo a puso go fetola matshelo a bone, segolo thata la Youth Development Fund (YDF). Rre Nkwe wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano, a re lenaneo la YDF le mo tshedisitse dinokana di tletse ka le ne la mo thusa ka P100 000. A re e rile ka 2014 a abelwa madi ao go simolodisa kgwebo ya go lema merogo. “Temo e mo mading a me, ke godile ke rata go lema mme e rile go lemoga lerato lame le bokgoni jwa me mo temong ya merogo, goromente a nkisa dithutong tsa temo ya merogo kwa Sebele,” A tshwaela. Rre Nkwe o tlhalosa gore temo ga se dilo tsa bagologolo, banana ba tshwanetse go inaakanya le temo gonne e na le dipoelo e bile ke yone tsela ya go dira dijo. Le fa go ntse jalo, a re kgwebo ya temo e tlhoka lorato, bopelotelele le boitseanape jo bo tlhomameng go emelelana le dikgwetlho tsa go fetoga ga loapi. A re ke ka moo banana ba tshwanetseng go tsaya temo ka tlhoafalo ka gore ba santse ba na le thata. “Kgwebo ya me e na le dingwaga tse tharo mme ke lema cabbage le maphutshe ka gore di bogadi bo gaufi gape ke na le bokgoni le boitsenape mo temong ya tsone. Ngwaga le ngwaga ke lema tshimo ya selekanyo sa ekere le sephatlo mme ke kgona go ungwelwa ditlhogo tsa cabbage kgotla maphutshe a le magareng ga 10 000 go ya go 25 000. Ke rekisetsa madirelo a tshwana le Spar le Shoprite.” O boletse gore sephiri sa gagwe ke go dira ka thata le go ntsha maungo a boleng jo bo kwa godimo. Rre Nkwe o gwetlhile banana go tlhokomela dikgwebo tsa bone go itsa gore di phutlhame. A re o kgona gore fa diemo di le thata a kope dithuso kgotsa a bereke ditironyana tse dingwe mme a dire madi a go reka menontshane le tse dingwe tse di tlhokafalang. A re o kgonne go reka pompo ya go goga metsi mo nokeng ya Madikwe go nosetsa, mathompho le go tsenya terata go kganela dikubu ka a ne a simolotse a ageletse ka logora. economy_business_and_finance 3 Kgotla boremelelo jwa morero - Motlhabani Mogolwane wa meepo ya Orapa ,Letlhakane le Damtshaa, Rre Bakani Motlhabani, a re botlhokwa jwa kgotla ga se jo bo ka itlhokomolosiwang. Rre Motlhabani o buile jalo fa a bula semmuso leobo la kgotlana ya Tawana Bophirima kwa Letlhakane ka matlhatso. Leobo le, le le lopileng P250 000, le agilwe ke khamphane ya Multotec. Rre Motlhabani a re kgotla ke lefelo le morafe o kopanelang mo go lone go arogana megopolo ka ditlhabololo le go rarabolola dikgang dingwe. O ne gape a re kgotla ke kwa go godisiwang ngwao le setso sa Batswana jaaka molao motheo wa lefatshe leno o kaya. Rre Motlhabani a re go a itumedisa go bona dikhamphane tse ba dirang le tsone di tsenya letsogo mo go thuseng setshaba se ba direlang mo go sone. O ne a galaletsa Multotec a re go direla morafe go botlhokwa thata ka ke go baakanyetsa bokamoso. Rre Motlhanbani o ne a leboga banni ba kgotla ya Tawana le komiti ya ditlhabololo tsa motse go bo ba tshwarane le Multotec mo tirong e. Mogolwane wa Multotec, Rre Peter Mbada, a re tumelo ya bone ke gore ba tshwanetse go ema nokeng setshaba se ba direlang mo go sone. Rre Mbada a re ba dira se gore fa ba tswang teng go sa le gona le motlhala oo supang gore ba nnile le seabe mo ditlhabololong tsa kgaolo . A re tiro e ga se ya ntlha ba e dira kwa kgaolong eo. Mothusa tona wa botsogo le boitekanelo, Rre Sethomo Lelatisitswe, a re puso ka nosi ga e kgone go dira ditlhabololo tsotlhe ka jalo a rotloetsa bagwebi go direla setshaba. Mothusa tona Lelatisitswe o ne a leboga Multotec le dikhamphanebtse dingwe go bo ba tsweletse ka go dira ditlhabololo mo kgaolong. Rre Lelatisitswe o ne a tsibosa setshaba ka bolwetse jo bo tlhagogileng ja mohikela jwa COVID-19 a re batho ba leke go ikgapha mo go jone. A re bo borai e bile bo setse bo bonwe mo mafatsheng a mabapi. politics 7 Mopalamente o abetse kokelo dikobo Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Sam Brooks o abetse kokelo ya Tsabong dikobo di le masome a mane go thusa balwetse ba ba robaditsweng mo kokelong eo bogolo jang ka nako ya mariga. Fa a ntsha mpho eo ka Mosupologo, fa a ne a ile go lekola balwetse le badiri ba kokelo eo, Rre Brooks o ne a kgothatsa badiri go tshwaragana le baeteledipele ba kgaolo go neela balwetse ditirelo tsa maemo a ntlha. O ne a ba gakolola go thusa balwetse ka fa go tshwanetseng ka teng, go ba fa dithuso tse di maleba, le go fokotsa dinako tsa go leta. A re gantsi banni ba lela ka go sa thusiwa ka bonako, ka jalo bolwetse bo etegele mme ba felele ba isiwa kwa sepateleng sa Princess Marina ko Gaborone, seemo se setse se ile magoletsa. Rre Brooks o ne a supa fa a tlaa tswelela a kopa tona wa botsogo le boitekanelo go shafatsa kokelo eo, ka e onetse fela thata. Mopalamente o ne gape a kgothatsa badiri go fapaanela dikoloi tse di leng teng, gore ditirelo di kgone go goroga kwa bathong ka nako. Mothusa moanamisa mafoko wa komiti ya botsogo wa kgaolo eo, Mme Gaboelwe Rammekwa o ne a leboga mopalamente ka dimpho tseo, a supa fa di tsile ka nako ee maleba ka go le serame thata. Mme Rammekwa o ne a iteela mafoko a ga mopalamente kobo moroko, a supa fa kokelo eo e onetse thata, mme go le botlhokwa gore e baakanngwe. O ne a tlhalosa fa ba utlwile matshwenyego a ga mopalamente mabapi le ditirelo tse di sa itumediseng, a re ba tlaa leka go tlisa diphetogo le pharaloganyo . Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Tsabong bokone, Rre Kabelo Coetzee o ne a supa fa dimpho tsa mopalamente di tla araba selelo sa letlhoko la dikobo mo kokelong eo. health 6 Dikomiti di supa kutwelo botlhoko Maloko a dikomiti tsa botsogo kwa Matobo, Makuta, Nshakashogwe, Sebina le Nswazwi ba supile mowa wa kutlwelo botlhoko ka go agela Mme Tokuno Mashongo ntlwana ya boitiketso. Fa a bua kwa moletlong wa go rola ntlwana eo, mogolwane wa bommaboipelego ba kgaolo potlana ya Tutume, Mme Girly Mathangwane o akgotse maloko a dikomiti tseo go bo ba tsweletse ka go rotloetsa botsogo jo bo kgatlhisang mo metseng ya bone. Mme Mathangwane a re go nna le ntlwana ya boitiketso le gone go e dirisa mo go maleba ke tsela nngwe ya go rotloetsa botsogo gammogo le pabalesego ya tikologo ka go hema kanamo ya malwetse a a farologaneng. A re ka go aga le go aba ntlwana e, maitlamo a letshego le le rotloetsang botsogo jo bo amogelesegang ka 2016 le tla atlega, mme a supa fa go itumedisa go bona Batswana ba tsere boikarabelo jwa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Mme Mathangwane o bile a akgola maloko a dikomiti tseo go bo ba dira ka lorato le boineelo, a supa fa bontsi jwa ditiro tsa komiti ba di dira ka ditshenyegelo tsa bone jalo a ba kgothatsa go tswelela ba tsholetsa serodumo sa mowa wa boithaopo. A re le ntswa go sena dipe dikatso tse di kalo tse ba di amogelang, se se botlhokwa ke go lemoga fa ba direla lefatshe la bone molemo gape ba tokafatsa matshelo a Batswana ba bangwe. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti kgolo e e okametseng dikomiti tse, Mme Balebi Shaka a re maikaelelo a dikomiti tse ke go rotloetsa botsogo jo bo kgatlhisang mo metseng ka go farologana. O supile fa ba tswa kgakala ba tshegeditse moono wa dikomiti tse tsa botsogo, a re ka 2012 le 2013, ba dirisitse madi a a fetang dikete di le lesome le bobedi go rekela balwetse ba ba tlhokomelelwang mo malwapeng didirisiwa di akaretsa melora e e tlhapang le e e tlhatswang le tse dingwe ka go farologana. A re ngwaga ono ba ne ba itlamile go agela mongwe yo o tlhokileng lesego ntlwana ya boitiketso, ka jalo ba feletse ba agela Mme Mashongo. Mme Shaka a re gore ba felele ba agile ntlwana e, maloko a komiti a ne a ithaopa go ntsha ditena di le tlhano mongwe le mongwe wa bone, ba apaya dijo tsa motshegare, mme ba rekisetse batho mo godimo ga moo ba ne ba fiwa dithuso ka go farologana ke dikomiti tse dingwe tsa motse le batho mo motseng. Go sale foo Mme Shaka o rotloeditse borre go tsaya karolo mo dikomiting tsa motse ka go farologana. A re go ikgogela morago ga bone, ga go itumedise ka jaana ditiro dingwe di batla matsogo a borre. BOKHUTLO health 6 Bogodu bo kgoreletsa dithuto kwa Mowana Bogogi jwa sekole se segolwane sa Mowana mo Mahalapye bo tshwenngwa ke tshenyo ya didirisiwa le bogodu jo bo dirwang mo tshingwaneng ya merogo, tse ba dumelang di kgoreletsa lenaneo la thuto. Matshwenyego ao, a ntshitswe ke barutabana ba dithuto tsa temo-thuo ka Laboraro jaaka baithuti ba mophato wa boraro ba ne ba abela makalana a a farologanyeng mpho ya merogo. Rre Misani Senome a re magodu ao a kgaola terata ya sekole gore ba kgone go utswa merogo. A re le fa ba leka go laola seemo ka go thiba diphatlha, go lebega ba ba dirang tshenyo eo ba sena maikaelelo a go boela morago. O supile gore se se tshwenyang ke gore bogodu jo bo dirwa ke bangwe ba ba tswang mo motseng. Rre Senome o ne a supa gore tshenyo e e dirwang ke magodu e senya tebego ya ditshingwana tsa baithuti, ka jalo seo se na le kgonagalo ya go ama matshwao a bone. Rre Senome o ikuetse mo batsading go thusa go lwantsha seemo se, a kopa baithuti go ikgapha mo ditirong tsa borukutlhi, ka gore di ka kgoreletsa maikaelelo a bone a go ipetlela isago. A re mebutla e e ruilweng go tokafatsa tsamaiso ya go ruta baithuti, e felela mo maganong a magadu. Kgosi wa kgotlana ya Mowana, Rre James Ramaijane o gakolotse bana ba sekole go ikgapha mo ditirong tse di ka kgoreletseng dithuto tsa bone jaaka bojalwa, ditagi le ditiro tse dingwe tsa borukutlhi. Kgosi Ramaijane a re go botlhokwa gore baithuti ba nne le boikarabelo, ba reetse molao wa batsadi le barutabana gore ba kgone go tswelela sentle mo dithutong. crime_law_and_justice 1 Baithuti ba abela sekolo tshingwana "Moteledipele yoo sa tswang go tlhophiwa bosheng wa lekgotla la baithuti ba Mmadikolo (UB SRC president) Rre Macdonald Kgosiekae a re ""living and learning community"" (Herladyship) ke lenaneo lele thusang baithuti gore baithute ka matshelo aa farologaneng a setshaba. Rre Kgosiekae o buile jalo ka Matlhatso morago ga Labotlhano yoo Molemo jaaka ba ne ba direla ba bo ba abela baithuti ba sekolo sa Leporung tshingwana ya merogo, a tlatsa ka gore ba diragatsa letshego la tebelopele ya setshaba, la setshaba se se nang le kitso e bile se rutegile. Moeteledipele wa lenaneo le, mme Nyaladzani Godson, are ba tlhophile sekolo seo morago ga gore ba lemoge ga sele kgakala le ditlamelo,a bolele gore dikolo tse dingwe tse di gaufi le magae le ditoropo di setse di thusitswe le fa go sa lekana. Are tshingwana ya merogo ba e abela baithuti ka gore ke bontlha bongwe jwa dithuto tsa bone jaaka ba lokwalo lwa bosupa batlabo ba kwala ditlhatlhobo tsa bone. Baithuti ba Mmadikolo la lemile merogo e akaretsa spinach,carrot, rape, spring onion gore baithuti ba sekolo seo ba ithute ka tsone,jaaka baithuti ba lokwalo lwa bosupa jaaka ba ipaakanyetsa ditlhatlhobo tsa ngwaga e fela. Modulasetilo living and learning community yoa le ene eleng moithuti kwa Mmadikolo rre Dingalo Dingalo are maikaelelo magolo ke go rutuntsha bana ba baya go tsena sekolo kwa Mmadikolo batswa kwa magaeng gore ba tshwanetse go itse gore baile go diraeng kwa mmadikolo. Baithuti ba mmadikolo[Herladyship] ba abetse baithuti ba sekolo seo dimpho ba ba dirileng sentle mo dithutong tsa bone e le mokgwa wa go ba rotloetsa le gokgothatsa ba basa kgonang go tsaya sepe go tlhoafalela dithuto tsa bone. Erile a kgothatsa baithuti ba mme Cockie Keitebetse a bolela gore toro ya moithuti e ka sefetolwe ke sepe kgotsa ke ope, are ba ithute ka natla go re ditoro tsa bone di atlege are mme katlego eo emo diatleng tsa moithuti, morutabana le motsadi ba tshwaragane, atlatsa kagore mongwe le mongwe o nale bokgoni,are ngwana tota o itshupa ale monyanyane gore o tla nonofa. Baithuti ba ba abetsweng dimpho ke ba maemo a ntlha le a bobedi go simologa ka lokwalo lwa ntlha go fitlha ka lwa bosupa, moithuti yoo gaisitseng botlhe mo sekolong, moithuti yoo phepa ba fiwa dibeke tse di tsenyang dibuka, le ditlhankana tse disupang gore ba rotloediwa ke Herladyship. Ere go sale foo ba Herladyship go tswa kwa Mmadikolo ba abetse baithuti ba sekolo seo bale lesome le bongwe paka ya sekolo, e akaretsa mesese ya basetsana, marokgwe dihempe dikausu le tsone ditlhako tota. Mme le sekolo seo le sone ba se abetse printer,e leng gore e ntsifatsa dipampiri gape e ka tsamaisa mokwalo kgotsa sepe ka bofefo[scanner],dipampiri tse di tla ithutang ka baithuti ba lokwalo la ntlha , le dipampiri tse ditla dirisiwang mo sekolong. Erile a amogela dimpho tseo mogokgo wa sekolo seo mme E Letsholo a leboga thata a bolela tiro ya bone e tla nna motlhofo thata a solofetsa gore batla somarela dimpho tse ba di dirisa go ntsha maduo. Mokhanselara wa kgaolwana ya Mmakgori rre Matthews Tuelo, o lebogile baithuti ba mmadikolo ka go lemoga gore sekolo sa Leporung se nale dikgwetlho ,are go supa gape baitebagantse le matlhoki a matshelo a Batswana. Rre Tuelo o tsweletse are thuto ke chaka ee ma magale mabedi are baithuti ba Mmadikolo batlile go tlhabolola matshelo a batho le ditlhaloganyo tsa batho ba Leporung. O tsweletse are ba dira se bana le tebelopele, are o lemoga ba tlisitse tse di molemo ,are ke yone tebelo pele ea boletseng ba tshela yone, jaaka ele baithuti,gape baithuti batla gola ba na le boikarabelo. Rre Tuelo o ne a rotloetsa ba Herladyship are monna yo o itseng tiro ya gagwe kgotsa maikaelelo a gagwe a ka se fetolwe ke sepe kgotsa ke ope. Moithuti yo o gaistseng botlhe mo sekolong seo Puleng Motsamai a supa a itumetse fela thata ebile a bolele gore jaaka atla ba a kwala dtlhatlhobo tsa lekwa la bosupa a tla tsaya maemo a ntlha. BOKHUTLO" education 4 Ditagi le bojawa di ka baka bolwetse jwa tlhaloganyo Mooki wa balwetse ba tlhaloganyo gape a sidila maikutlo kwa kokelong ya Sbrana mo Lobatse Mme Bontshetse Demmah, a re ditagi le bojalwa ke dingwe dilo tse di kwa godimo mo go bakeng bolwetse jwa tlhaloganyo. Mme Demmah o buile jalo ka Labotlhano jaaka ba lephata la bosekisi mo Lobatse ba ne ba tshwere thutuntsho go tsibosa baithuti ba sekole se segolwane sa Lobatse secondary (Lobsec) ka borai le bodiphatsa jwa tiriso ya nnotagi, a re di senya botshelo jwa motho. O ne a tlatsa ka go re ga go na kalafi e e itebagantseng le motho yo o lwalang tlhaloganyo, mme go dirisiwa diritibatsi go lebeletswe gore molwetse o mo seemong sefe. A re ditagi di ka dira gore motho a nne le maikutlo a a sa iketlang, ka gore di rekwa ka madi a mantsi, mme kwa bofelong motho wa teng o ka felela a utswa madi a batsadi, kana a rekisa dithoto tsa bone gore a bone madi a go reka ditagi tseo. Mme Demmah a re le fa go ntse jalo motho fa a tlogela ditagi tseo le dino go nna le ditlamorago jaaka go roroma. Rre Dikago go tswa mo lephateng la bosekisi a re ba dirile thutuntsho e ka maikaelelo a go itsese baithuti ka ditirelo tsa lephata leo le go ba tsibosa ka tiriso botlhaswa ya nnotagi le malwetse a selegae. O ne a tlatsa ka go re ba itemogela malwetse a selegae, jaaka go bolawa ga batho le kgokgontsho ya mo malwapeng. Mo go tse dingwe, Rre Dikago o boletse gore ba batla go rotloetsa baithuti go tsaya dithuto ka tlhoafalo, go baakanyetsa matshelo a bone mo isagong, a tlatsa ka go re baithuti ba rata go lekeletsa. O tsweletse a bolela gore ngwaga o ke ngwaga o o botlhokwa thata mo baithuting ba mophato wa botlhano, ka gore o tlaa tlhalosa gore mang o ya kae morago ga sekole. Mme Omphemetse Mmolai go tswa kwa lephateng la tlhabololo banana metshameko le ngwao o boleletse baithuti bao gore ba mo letsholong la go tla ka tharabololo ya malwetse a selegae le tiriso ditagi tse di apesitseng Lobatse kobo ka letshoba, a kopa baithuti gore ba thuse gore go ka dirwa jang go emisa dilo tse. Mokhanselara wa kgaolwana ya Boswelatlou, Rre Themba Setimela o gakolotse baithuti gore ba itshware sentle ba tsee dithuto tse tsa go tsibosiwa kgatlhanong le ditiro tse di maswe ka tlhoafalo a ba kopa gore go seka ga nna le seemo se ba se boneng mo ngwageng o o fetileng, baithuti ba kwala ditlhatlhobo batsadi ba ba emetse e le ka lebaka la botlhokatsebe. Mokhanselara Setimela o gwetlhile baithuti go tsaya dithuto ka tlhoafalo le gone go fetola tebego ya Lobsec. Thutuntsho eo e ne e dirwa ke maphata a puso a a farologanyeng go akaretsa ba sesole, sepodisi, baoki ba lephata la tlhabololo banana metshameko le ngwao. health 6 Ba nyeletso lehuma ba a sugwa Khansele ya toropo ya Lobatse le lephata la boipelego ba ne ba tshwere ithutuntsho ya tsa kgwebo ya ba ba akotseng lenaneo la nyeletso lehuma go amogana maele a kgwebo. Fa a ba ema ka lefoko, mothusa molaodi wa toropo ya Lobatse, Mme Kenosi Sethaile a re lenaneo le maikaelelo a lone ke go tlhabolola matshelo a Batswana le go tlhama ditiro, mme a supa fa le tsweletse sentle mo Lobatse. Mme Sethaile o tlhalositse gore mo Lobatse ba nnile le dikopo tsa lenaneo le di le 369, mme ba kgona go rutuntsha ba le 248 fa 121 e santse e emetse go rutuntshiwa mo go tsa kgwebo tse ba di ikopetseng. O ne a supa fa ba na le palo ya baikopedi ba le masome a supa le bongwe, ba toropo e tshwereng ka natla go ba thusa ka potlako, a supa fa mo dikgwebong tse di ikopetsweng, ba kgonne go thusa ka madi di le 211 mme mo go tsone go bereka di le 121. Mme Sethaile o kgothaditse a ba a rotloetsa batsena ithutuntsho go tswela pelo dikgwebo tsa balekane ba bone tse di berekang sentle. A re selo seo se ka ba kgontsha gore ba nne le maikaelelo, maikemisetso le go bereka ka thata go isa dikgwebo tsa bone kwa pele. Fa a ba kgothatsa, mokhanselara Rre Molaudi Mantle wa kgotlana ya Woodhall mo Lobatse o ne a re ba tshwanetse ba itumelela lesego le ba le filweng. A re ba le bantsi ba santse ba eletsa e bile ba batla ka dipelo tsotlhe go ka ipona ba le mo lenaneong la nyeletso lehuma go ka tokafatsa matshelo a bone. Rre Mantle o ba gakolotse go sireletsa dikgwebo tsa bone ka tsotlhe tse ba nang le tsone mme e bile ba tshwarelele mo go tsone. A re gore ba kgone go sireletsa dikgwebo tsa bone le go netefatsa gore di a tswelela ga di we, ba tshwanetse ba ithuta go farologanya botsala le kgwebo. Rre Mantle a re go le gansti dikgwebo di tswalwa ka ntlha ya gore beng ba nnile botlhaswa ba letlelela botsala go laola dikgwebo tsa bone. A re seo ga se a tshwanela go diragala, a gatelela gore ba iphaphe mo go raelweng ke botsala jo bo ka felelang bo diga dikgwebo tsa bone. Rre Mantle o gakolotse batsea ithutuntsha gore fa ba filwe dithuso le didiriswa go simolola dikgwebo ba tshwanetse ba nna le seabe se setona mo go tsone ka jaana e le dikgwebo tsa bone. A re ba lese mokgwa wa go nna ba re dikgwebo ke tsa ga goromente ba bo ba felela ba di lesa gore di phutlhame ka jaana ba sena maikarabelo mo go tsone, a bolela fa seo e le go itshenyetsa e le Batswana. Maikaelelo a ithutuntsho e, e ne e le go abelana le ba ba akotseng lenaneo maele a tsa kgwebo le a go e tsamaisa. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Go tlhajwa ga dikgomo kwa Molepolole go tlaa emisiwa Mokhanselara wa Boribamo West, Rre Moses Mmualefe o tsibositse banni ba Molepolole fa lephata la Tsadiso le Matlhoko a leruo le tlaa emisa go tlhajwa ga dikgomo mo marekisetsong kgwedi e e tlang e supa (Phukwi 7). Mokhanselara o buile jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Mohammed Khan. Rre Mmualefe o kaile fa ba lephata la matlhoko a leruo ba tlaa bo ba baakanya kgotsa ba atolosa maranyane a ba a dirisang go kwadisa dikgomo. Le fa go ntse jalo, Rre Mmualefe o tlhagisitse morafe gore se se tlaa baka tlhaelo ya nama ya kgomo mme ba monele marulana pele go tila seemo se. Gape o tlhalositse gore seemo se se tlaa ama batho ba ba gwebang ka kgomo le marekisetso a tshwana le diselaga mme fa motho a batla go itlhabela kgomo go e ja kwa lwapeng o ka dira jalo. Mo potsolotsong, Modiredi mo ofising ya Tsadiso le Matlhoko a leruo Rre Kelebile Mmotsi o supile fa a ka seke a rurifatse kgang e, ka bone e le ofisi ba ise ba bone mokwalo ope go tswa kwa bagolwaneng kwa lephateng la temo-thuo. Le fa gontse jalo, Rre Mmotsi ga a a latola gore go na le kgang ya mofuta oo. E ntse e le mo go yone phuthego eo, Mopalamente Khan o tlhaloseditse morafe gore o na le lebaka le feta ngwaga a sa tshware diphuthego ka jaana a ne a lwantsha gore ditlhabololo tse di tona di akaretsa tsa mafaratlhatlha a metsi le kago ya ditsela di tsenngwe mo togamaanong ya ditlhabololo ya NDP 11. O buile jaana morago ga gore batho mo kgaolong ya gagwe ba ngongoregele gore go nnile lebaka mopalamente a sa buise diphuthego. Le fa go ntse jalo, Mopalamente Khan o kopile banni ba kgaolo ya gagwe go busa pelo ka jaanong a boetse mo kgaolong. O bile a tlhalosa fa a kgonne gore Molepolole a bone ditiro tse tlhano tse ditona tse di tlaa dirwang mo NDP 11, selo se a kaileng e le lantlha se diragala mo ditsong ka go bo mo nakong e e fetileng go ne go kgona go tsenngwa ditlhabololo tse pedi kgotsa tse tharo. Nngwe ya ditlhabololo tse di tlaa dirwang o kaile e le kgopo ya metsi a a leswe le go aga mafaratlhatlha a metsi. A re dingwe tsa ditlhabololo tse di tla simololwa ngwaga ono o ya fifing fa bontsi di tlaa simolola mo ngwageng o o tlang. Fa ba akgela, bontsi jwa ba-tsena phuthego ba ngongoregetse ditirelo tse ba di fiwang kwa sepateleng se se tona sa Scottish Livingston. Ba re seemo sa sepatela seo se ngomola pelo ka go sena melemo le dipilisi le one metsi tota. Ba re go le gantsi balwetse ba tlelwa metsi. Ba re tlhaelo ya dikobo ke selelo le khuranyo ya meno ntswa ba sa letlelelwe go itlela ka dikobo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Mothusa molaodi o gakolola magolegwa go ikemela ka dinao Mothusa molaodi wa kgaolo ya Kgalagadi, Rre Bigboy Mangwa, o gakolotse magolegwa aa gaufi le go tswa mo kgolegelong go fetola boitshwaro jwa bone ka go ka ba thusa go amogelwa mo setshabeng. O ntshitse kgakololo kwa dithutong tse di neng di rulagantswe ke kgolegelo ya Tsabong bosheng. A re go maruding a magolegwa gore tsela pedi ba tsaya efe mo go direng tse di siameng le gone go ipaakanyetsa dikgwetlho dipe fela tse ba ka kopanang le tsone le go tswa ka ditharabololo tsa tsone go supa fa ba ithutile sengwe. Modulasetilo wa lekgotla la baruti kwa Tsabong, Moruti Obakeng Baumake ene o rotloeditse magolegwa go ikanya modimo ka e le one konokono mo matshelong a bone. O ne a gakolola magolegwa go laola maikutlo, tlhaloganyo le dikeletso tsa bone ka e le tsone tse gantsi di ka ba gogelang mo thaelong fa ba goroga kwa metseng ya bone morago ga go fetsa lebaka la kgolegelo. O ba rotloeditse go tlhwaafalela go inaakanya le thuo ka e le yone teemane ya lefatshe. Mookamela badisa magolegwa kwa Tsabong, Senior Superintendent Shathani Thela o ne a tlhalosa fa ba ne ba bona go le botlhokwa go tlhatlhelela magolegwa aa gaufi le go tswa mo kgolegelong gore ba kgone go itepatepanya le dikgwetlho tsa botshelo. O ne a supa fa ba rutuntsha magolegwa a le masome a mane le bone ba ba tswang kwa dikgolegelong tsa Ghanzi,Tshane le Tsabong ba ba setseng ka lebaka le le khutshwane go gololwa. Senior Superintendent Thela o ne a bolela fa tsholofelo ya bone e le gore magolegwa a tlaa dira pharologanyo le go ikela tlhoko ka nako tsotlhe. O ne a supa fa kgolegelo ya Tsabong e na le magolegwa a le masome a herabongwe le bosupa ba bontsi jwa bone e leng banana. A re bontsi jwa magolegwa mo kgolegelong ya Tsabong ba tshwaretswe melato ya bogodu jwa loruo le diphologolo. Mongwe wa barutuntshi go tswa kwa lephateng la matlhoko a leruo, Mme Tshepiso Kgathi o boletse fa lenaneo la LIMID le sa kgetholole ope mme le thusa ka dihutshane di ferabongwe le dikoko tsa Setswana tse masome a mabedi le botlhano. Mme Kgathi o ne a supa fa puso e atolotse letsogo go tlhabolola matshelo a Batswana ka mananeo a o mme go le mo maruding a bone gore ba atlarele ka diatla tsoopedi le go tlhokomela tse ba di neetsweng gore di tle di ba tswele mosola. Fa a bua ka lenaneo la ISPAAD le faphegileng, Mme Kgathi o supile fa le akolwa fela ke banni ba dikgaolo tsa kgalagadi, Ngwaketsi West le Ghanzi. O ne a tlhalosetsa magolegwa fa puso e duelela moikopedi sephatlho sa madi a palo ya leruo le a le ikopetseng fa moikopedi ene a duela bontlha bongwe, mme ba ba kobodikhutswane bone ba thusiwa ka dipodi di le lesome le bone morago ga tsheka tsheko ya ofise ya boipelego. Fa a tswa la gagwe Rre Arabang Sefakwe go tswa kwa lephateng la tlhabololo banana metshameko le ngwao o ne a tlhalosa ka mananeo a lephata la gagwe, jaaka lenaneo la YDF le le thusang banana ka P100 000 go ipulela dikgwebo, dikgaisano tsa malatsi a ga tautona tsa botaki le bodiragatsi. Rre Sefakwe o boletse fa dikgaisano di simolodisitswe ka maikaelelo a go ntsha banana mo mekgwatlheng gore ba seka ba iphitlhela ba dirile tse di duleng mo tseleng le gone go epolola ditalente. Magolegwa a ne a lebogela baeteledipele ba dikgolegelo ba bo ba itumelela thata dithuto ka mananeo le dikgothatso tse ba di neetsweng ba supa fa di wetse mo mmung oo nonneng ka di tla ba fetola go tshela botshelo jo bosha education 4 Kereke ke yone botshabelo Banni ba Matobo ba rotloeditswe go tsena kereke ka e le yone tsela ya go bona botshelo jo bo sa khutleng ga mmogo le go tsena ka puso ya legodimo. E rile a bua mo phuthegong e e neng e tshwerwe kwa kgotleng ya Matobo go itsese batho ka dikwalo tse di ranoletsweng mo puong ya Sekalaka, moanamisa mafoko wa lekgotla la baruti, moruti Godfrey Nfila a kopa banni go tsena kereke gore ba rorise Modimo le badumedi ba bangwe. A re le fa ntswa go na le dikereke di le dintsi mo motseng, go santse go na le batho ba ba sa tseneng kereke, a tlhalosa fa kereke e aga motho ka a rutiwa se se siamemg le se se sa siamang mo matlhong a Modimo le mo setshabeng. O supile fa Modimo o eletsa gore mongwe le mongwe a nne le sebaka sa go o rorisa le go o obamela le ba bangwe a santse a le mo botshelong. Moruti o boletse fa go tsena kereke go thusa gore motho a tle a nne le ba ba tlaa mmolokang motlhang a tlhokafalang ka mo dintshong tse dintsi o fitlhela go sena yo o ka rerang a gomotsa batsadi le masika fa moswi a ne a sa tsene kereke. Moruti o tlhalositse fa mo baebeleng go na le dikwalo tse dintsi tse di supang fa go tshwanetse ga lebogiwa le go obamela Modimo. O supile fa baruti ba leka fela thata go rotloetsa batho go obamela le go rata Modimo ka go ba rerela kwa kerekeng. Moruti Nfila o boletse fa go sena ope yo o itseng letsatsi la gagwe la bofelo mo botshelong jalo a ba kopa go sa di ya sebaka mme ba batle kereke e ba ka e tsenang ba baakanyetsa go tla ga Modimo a tla go tsaya bana ba gagwe. A re o ka itumela thata fa batho ba ka tsena kereke gore e re fa ba lekgotla la baebele la Botswana ba tlisa baebele ya Sekalaka kwa bathong ba fitlhele botlhe ba na le kwa ba obamelang teng, kwa ba tlaa ithutang teng dikwalo tseo le badumedi ba bangwe. O boletse fa ba lemogile gore go na le batho bangwe ba ba tlang mo metseng ba itira baruti go tsietsa batho ka go ba tseela madi ba re ba a fodisa gape ba tlaa ba batlela ditiro. A re morago ga modiro wa go neela batho dikwalo tse di ranotsweng, ba tlaa nna le sebaka sa go tsamaya le metse ba tswala dikereke tsotlhe tse di sa kwadisiwang ka fa molaong le tse di tsenelang ka fa tlase ga ditlhare le mo dinokeng ka di tlogela tikologo e le leswe. Moruti Nfila a re dikereke di ikopanye le lephata la kabo ditsha gore di fiwe lefelo la kobamelo. religion_and_belief 8 Banana ba rotloediwa go sola molemo ditshupo Banana ba gakolotswe go tsaya karolo mo ditshupong go tokafatsa itsholelo ya lefatshe leno le go fokotsa letlhoko la ditiro. Seo se builwe ke mogwebi yo o tumileng thata wa madirelo a Watershed Piazza Mall, Rre Seloma Tiro kwa ditshupong tsa temo-thuo tsa Mahalapye ka Matlhatso. O boletse gore go utlwisa botlhoko go bona banana ba saletse kwa morago e bile ba sa sole molemo ditshupo tsa temo-thuo go bapatsa dithoto tsa bone mo setshabeng. O boletse gore ba tshwanetse ba ema ka dinao mme ba sole molemo sepe se ba se neelwang kana se se tlang se ba lebane jaaka ditshupo mme ba tle ba supe dithoto tsa bone, a tlatsa ka gore bokamoso jwa lefatshe leno bo mo diatleng tsa bone. O tlhalositse gore jaaka e le banana, ba tshwanetse go itse gore ba ka roba sengwe se se botoka fela fa ba ka ithusa ka diemo tse di diretsweng go ba thusa mme ka jalo ba thuse go tlhabolola lefatshe le dikgaolo tsa bone. Rre Tiro a re sengwe se batho ba tshwanetseng go se itse ke gore kgwebo ga se selo sa paka e le nngwe, mme ke mokgwa kana tsela ya go tshela, ka jalo batho ba tshwanetse go itse gore sebaka sengwe le sengwe se se ba tlelang, ba tshwanetse go se tsaya mme ba ithuse ka sone. A re ba tshwanetse gape go nna le dikakanyo tse di bulegileng, ba tle ka megopolo mme ba e rerisanye le setshaba ka go dira jalo go tlaa thusa go tlhabolola lefatshe ka kakaretso. O ne gape a gakolola morafe wa Mahalapye le tikologo go dirisa tsela ya A1, e a reng go na le megopolo e mentsi ya kgwebo e ba ka e dirisang go sola molemo tsela eo. A re batho ba Mahalapye ba tshwanetse ba itse dilo tse di molemo tse ba ka di akolang, bogolo thata ka ba le fa gare ga lefatshe e bile ba le gaufi le tsela e tona mo lefatsheng leno. A re tota seemo sa go nna jalo ba ka se sola molemo, ba ipapatsa mme ba thusa go tlhabolola itsholelo ya lefatshe leno. Rre Tiro o ne gape a gakolola banni ba Mahalapye le tikologo go ema ka dinao, ba dirisanye, ba abalane megopolo le dikitso tsa gore ba ka tlhabolola kgaolo le metse ya bone jang gore go nne le maduo a a bonalang. Ka tsa temo-thuo, Rre Tiro o boletse gore mosola wa ditshupo o a bonala ka jaana mhama wa temo-thuo o na le bokgoni ja go ntsha dijo tse di tlhokwang ke lefatshe le setshaba. A re ke gone ka moo mmuso o emeng mhama oo nokeng ka fa go tlhokegang ka e le yone fela tsela ya go somarela le go tokafatsa ntsho ya dijo mo lefatsheng leno. O boletse gore ke nako ya gore Batswana ba ntshe dijo tsa bone ba lese go ikaega ka mafaatshe a mangwe. Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Tiro o boletse gore go tlhokafala gore go fetolwe lenaneo la dithuto tsa sekole (school curriculum), gore batho ba ithute go fetola boitsholo jwa bone jwa go rata go ikaega ka ba bangwe. A re fa bana ba sekole ba ka ithuta ba sa le bannye gore ba tshwanetse go dira ka natla ba itirele dithoto tsa bone, lefatshe le ka tloga la dirisa kana la solegelwa molemo ke seemo sa go nna jalo mme gongwe le tloge le rekisetse mafatshe a mangwe go na le gore dinako tsotlhe le bo le reka dijo kwa mafatsheng a mangwe. E rile fa a akgela modulasetilo wa komiti e e neng e rulaganyetsa ditshupo, Rre Tsholofelo Nthaga a re ditshupo di ka bo di sa kgonagala fa e ne e se ka dithuso tsa puso le batsayakarolo ba bangwe. Rre Nthaga a re motse wa Mahalapye ke one mosimolodi wa ditshupo tsa temo-thuo, mme ya re dingwaga di ntse di tsamaya seemo sa one mo ditshupong sa wela tlase, a tlatsa ka gore le fa e le ngwaga o o fetileng, ga go a ka ga nna le ditshupo kwa motseng oo. O ne a ikuela mo batsayakarolong ba ba farologaneng, banni ba metse e e gaufi le banana go tla mo Mahalapye go tsosolosa ditshupo tsa kgaolo-potlana ya Mahalapye. O boletse gore mhama wa temo-thuo ke mokwatla wa itsholelo ka o ntsha dijo e bile o tlhamela ba le bantsi ditiro, ka jalo ke tiro ya mongwe le mongwe go tlhomamisa gore o a atlega. Le fa go ntse jalo o boletse gore ditshupo tseo di atlegile le fa basupi ba ne ba se bantsi thata, mme ke ka ntata ya leuba, a ba a solofetsa ba ba neng ba ile ditshupong gore ba solofela gore ngwaga o o tlang o tlaa bo o le pharologanyo. BOKHUTLO politics 7 Kgosi o rotloetsa tshomarelo ya lolwapa Kgosi Kebinatshwene Mosielele wa Manyana a re lelwapa ke konokono mo botshelong jwa Motswana ka e le kwa motheong wa maitsholo a motho go nna a sebopego se se eletsegang mo setshabeng. O buile jaana kwa Kang bosheng jaaka a ne a patilwe ke ba mokgatlho wa Dingwetsi Association, go rutuntsha morafe ka botlhokwa jwa go aga lelwapa le le nonofileng. Kgosi Mosielele a re malwapa mangwe ga a robalelwa ke ditlhokwa ka ntlha ya dikgwetlho di tshwana le tiriso botlhaswa ya ditagi, ditlhalo tsa banyalani, boimana jwa basetsana ba dingwaga tse di kwa tlase le borukutlhi. Ka jalo, Kgosi Mosielele o ne a gwetlha dikgosi go ikatumetsa merafe ya bone go ikgata motlhala go bona gore ba fapogile fa kae. O ne a ba gwetlha go tlhama mekgatlho e ka yone ba tlaa thusanang go lebagana le dikgang tsa mohuta o, go bona gore ba busetsa serodumo sa lelwapa ka ke gone kwa bontsi jwa dilabe di ka feelwang teng. A re ba bone go le maleba go rutuntsha setshaba ka botlhokwa jwa go aga lelwapa le le nonofileng, bogolo thata mo kgodisong ya ngwana gore ba gole ba tshwere molao o ba o filweng kwa lwapeng gore go goleng ga bone e nne batho ba ba nang le sekao mo setshabeng. Kgosi Mosielele o ne a supa gape fa ngwao ya Setswana e dule bontsi ka diphatlha tsa menwana, ka jalo a gwetlha setshaba go itsaya motlhala go bona gore ba boela mo seporong. A re seo se ka thusa go babalela serodumo sa lo]elwapa ka jaana bomme le borre ba tlaa ithuta ka ditsamaiso tsa malwapa. Mo dikgannyeng tse dingwe, Kgosi Mosielele o ne a supa fa lenyalo le na le melao ya Setswana le ya sekgoa, melao e a supileng fa e na le go gotlhagotlhana. O ne a gwetlha setshaba go sala tsamaiso ya lenyalo la Setswana morago, a supa fa le na le seriti go na le la sekgoa, ka jaana lenyalo la Setswana le na le morero le bokaedi magareng ga bagwe le bagwaegadi go na le la sekgoa, le a supileng fa banyalani ba kgona go inyadisa ka bobone fela kwa ntle le morero wa batsadi. A re go inyadisa moo, go dira bore bobedi bo tlhoke go fiwa bogakolodi ke batsadi ka fa ba tshwanetseng go tsamaisa malwapa a bone ka teng. Moeteledipele wa lekgotla la Dingwetsi Association, Mme Grace Silver, o ne a tlhalosetsa morafe fa mokgatlho wa bone o tlhamilwe ke bomme ba ba nyetsweng ba maikemisetso a bone e leng go ema kgatlhanong le tlhalo. A re ba itemogetse gore ditlhalo tse dintsi tsa banyalani di dira gore lenyalo le seka la nna le kgogedi, mme mokgatlho wa bone o leka ka bojotlhe go busetsa serodumo sa lenyalo ka go rutuntsha batho ka botlhokwa jwa lenyalo. Mme Silver a re ba ikemeseditse go tswelela ba bereka le dikgosi, balaodi le makalana ka go farologana go ba thusa gore lentswe la bone le utlwale. O supile fa lenyalo le tlhodilwe ke Modimo, mme wa dira rre tlhogo ya lelwapa , fa mme ene e le mothusi wa ga rre. “Borre nnang ditlhogo tse di nang le maikarabelo gore bathusi ba lona ba kgone go dira tiro ya bone ka tshosologo, ka thitibalo mo lwapeng e thusa gore bana ba golele mo ledulong le le siameng.” O ne a kgothatsa borre gore ba seka ba itlhokomolosa maikarabelo a bone ka go itira bakgokgontshi . A re go dira jalo go tsala masula a tshwana le tlhalo, bonyatsi le gone go bapala malwetse kwa ntle. O ne a ba gwetlha go ratana, go nna le dipuisano tse di lolameng, le go emana nokeng ka dinako tsotlhe e le tsela nngwe ya go godisa lelwapa la bone. Sebui se sengwe, Mme Barolang Tumelo, o ne a gwetlha banyalani go agela kgolagano ya bone mo leratong ba ikaegile ka Modimo. A re ba tlotlane gore ba nne sekao mo baneng ba bone. Fa a tswa la gagwe, Mme Mmaserame Motshabesi o ne a rotloetsa dingwetsi go tlotlana le bomatsalaabone le gone gore ba agisanye ka lorato go itsa go kubetsana mo go sa feleng. O ne a gwetlha bommabasetsana go ruta bana ba bone tsamaiso ya bongwetsi gore fa a na le dipharologanyo le rre wa gagwe ga a boelea ga bone, o ya go itekodia bomatsalaagwe gore ba bone gore ba ka letlanngwa jang. Kgosi Mogotsi Manyana o ne a gwetlha borre go tswa kwa mahure, ka go tlhama mekgatlho ya borre jaaka bomme gore ba kgone go ithuna dinta ka dikgang tse di ba amang le go tla ka ditharabololo tse di ka ba thusang go babalela malwapa a bone. Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Basadi Seipone o supile fa dikgang tsa ditlhalo di feta thapo tsa leselo, ka jalo a gwetlha banyalani go ithuta go itshwarelana fa ba na le diphapang, a supa fa bontsi jwa dikgang di ne di sa tlhoke go ka bo di ne di isitswe kwa pele ga makgotla a ditsheko go tshereganngwa. O gwetlhile banyalanai go dirisa makalana a a rutuntshang ka lenyalo e le tsela nngwe ya go dibela malwapa a bone. society 9 Polase ya Lobu e boetse mo tirisong Polase ya dihutshane ya Lobu mo Kgalagadi Borwa e boetse mo tirisong. Se se tla morago ga gore Mothusa Tautona, Rre Mokgweetsi Masisi a phuthe ba-na-le seabe botlhe gore ba tswe ka maano a go busetsa polase eo mo tirisong. Polase eo e ne ya ema go dirisiwa morago ga gore dikago tsa yone tse di neng di dirisiwa go tshwarela dithuto-puisanyo le barui di senyege. Maikaelelo a lefelo leo ke go rutuntsha barui ka methale e e siameng ya go rua gore ba kgone go oketsa dihutshane le gone go tsosolosa thuo ya tsone. Fa a bula polase eo semmuso, Rre Mpho Moruakgomo yo e leng modulasetilo wa BALA o rotloeditse ba-na-le seabe botlhe ba ba neng ba tsene pulo semmuso eo go tlhoafalela ditirelo tsa lefelo leo ka jaana maduo a teng a na le bokgoni jwa go tokafatsa matshelo. O supile fa ba le lesego ka jaana kgaolo ya bone e siametse thuo ya dihutshane mme a re go botlhokwa gore ba dirise monyetla oo. Rre Moruakgomo o supile fa dipalo tsa dihutshane di ile kwa tlase mo lefatsheng leno mabaka e le gone go tlhoka kitso ya go di rua, malwetse le diji mme a re sekole seo se tlaa thusa barui go hema tseo tsotlhe. O tsweletse ka go re kwelo tlase ya dihutshane e feletse e dira gore matlhabelo a BMC a emise go di reka mo baruing mme a re se se dirile gore barui ba felele ba tsiediwa ka ditlhwatlhwa. Modulasetilo wa BALA o supile gape gore fa barui ba ka tshwara ka thata, ba kgona go felela ba okela bajanala mo kgaolong ya bone ba tsile go reka diruiwa le nama ya kgaolo ya bone. E ne e rile go le pele Rre Stanley Makosha wa HRDC a supa fa lefelo leo le tlaa fa barui dithuto tsa motia mabapi le dihutshane mme a tlatsa ka go re tsholofelo ke gore kwa bofelong ba bo ba okeditse dipalo mme e bile e le tsa boleng jo bo kwa godimo. Rre Makosha o supile gore ba tshwanetse gore e re mo isagong ba bo ba kgona go reka le go rekisa dihutshane tsa boleng ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase. O rotloeditse barutuntshi ba lefelo leo gore ba netefatse gore dithuto tse ba di fang baithuti ke tsa maemo a ntlha gore Motswana mongwe le mongwe kwa a leng teng a kgatlhegele go etela lefelo leo go ithuta. Mogokgo wa sekole seo, Rre Chakalisa Matilamba o tlhalositse fa ba tlaa bo ba itebagantse le malwetse a a amang dihutshane ka jaana maikaelelo magolo e le go oketsa dipalo tsa tsone. O tlhalositse fa dithuto di tlaa bo di tsaya malatsi a mane mme ba setse ba amogetse baithuti ba le masome mabedi ba ba setseng ba bone dithuso tsa go fiwa dihutshane ka fa tlase ga mananeo a a farologanyeng a puso e thusang Batswana ka one go intsha mo lehumeng. BOKHUTLO politics 7 Banni ba kopa sekole Banni ba Machana mo kgaolong ya Ngwaketse Bophirima ba re ga ba itumedisiwe ke go tlhoka sekole. Ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mothusa tautona yo gape e leng mopalamente wa kgaolo, Rre Mokgweetsi Masisi bosheng. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo tsa motse, Rre Keromilwe Otlhakanye, a re ga ba jesiwe di welang ke gore motse wa bone ga o tlhabologe. O boletse gore mo nakong ya gomopieno, dipalo di supile gore bana ba le 215 ba nna fela mo malwapeng ka gore ga ba a kwadisiwa kwa sekoleng, se se kwa Pitseng le Sese, kwa a tlhalositseng fa go le sekgala seleele fa go lebeletswe bana ba mophato wa ntlha. Rre Otlhakanye a re se se pateletsa batsadi gore ba fudugele kwa metseng e go atametsa bana sekole mme a re maiteko a bangwe a felela a sa atlege ba tlhokile bonno ka gore bone ba agile kwa Machaneng. Modulasetilo a re go tlhoka go tsena sekole go felela go dira gore bana ba inaakanye le ditiro tse di duleng mo tseleng di tshwana le go ithuta tlhakanelo dikobo ba sale ba botlana mmogo le go dirisa ditagi dilo tse di feletsang di ba latlhisa tsela ya botshelo le go ba okeletsa lehuma. E rile mongwe wa banni Mme Dikakanyo Ralosu a mo tlatsa a supa fa a na le bana ba le bararo ba ba sa tseneng sekole ka ntlha ya seemo seo. A re seemo se se mo ngomola pelo ka jaana o ne a solofetse gore ba tsoge ba mo tshedisa. A re mo nakong ya gompieno ditoro tsa gagwe di phirimile. E rile fa a tsibogela kgang e, mogolwane wa thuto mo kgaolong ya Borwa, Rre Acronews Maseko a dumelana le morafe a tlatsa ka gore bana ke bokamoso e bile ke bone lesedi la lefatshe leno. A re go tlhoka go tsena sekole ga bana go raya gore lefatshe leno le latlhegelwa ke babusi ba kamoso. education 4 Kgosi o akgola Tautona le mananeo a aa tlhomileng pele Kgosi Alphonse Nsala wa Tutume o akgotse Tautona Mokgweetsi Masisi le go mo eleletsa katlego mo tirong ya gagwe. Kgosi Nsala o ntshitse kakgolo eo fa a ne a amogela lekoko la mokwaledi wa ga Tautona, Rre Carter Morupisi kwa Tutume ka Laboraro. A re o leboga le go amogela Tautona le mananeo a a a tlhomileng pele, fa a tsaya boeteledipele jwa lefatshe leno. O ne a akgola ka fa go tlhatlhosiwang maemo badirelapuso ba maemo a magolwane, a re o setse a itemogetse fa puso e le mo moonong wa go fa bomme sebaka sa boeteledipele ka go lebega bomme ba filwe boeteledipele ba le bantsi mo nakong ya gompieno. Kgosi o ne gape a kopa puso go sekaseka mabaka a pereko a badirelapuso go lebilwe dikatso le ka fa ba berekang ka teng. Rre Morupisi o ne a tlhalosetsa badirelapuso ka ketsaetsego e e teng ya thulaganyo ya go thusa bo Tautona ba pele ka sepalamo,a re go ya ka paakanyo ya molao wa 2017 o neela Tautona dithata tsa go sekaseka le go bona gore go a kgonega go ka ba thusa ka sepalamo mme a dira seo a setse molao motheo morago. O kopile badirelapuso go ema nokeng mananeo le dikeletso tsa ga Tautona nokeng. Rre Morupisi a re puso e eletsa gore banyalani ba ba berekelang kgakala le malwapa a bone ba ikopele go atamela banna kana basadi ba bone mme seo ga se patelediwe. O rotloeditse badirelapuso go nna ba ikoketsa dithuto,a re puso e eletsa go bona bangwe ba alogile e bile ba direla kwa mafatsheng a sele. O tsweletse a supa fa Tautona a dumalane le makgotla a babereki fa komiti ya makgotla a babereki le mmuso(bargaining council) e tla tlhongwa ka kgwedi ya Lwetsi monongwaga, a re ka yone batla leka go kopanela dikgang kana matshwenyego a a amang babereki. Fa araba matshwenyego a bone.o boletse fa selelo sa tlhaelo ya matlo a boroko a badirelapuso e le selelo lefatshe ka bophara,a re puso e leka bojotlhe ka kgang eo. O gwetlhile badirelapuso go nna le boikarabelo jwa go bona gore batho ba bona ditirelo ka nako go na le go isiwa kwa le kwa,a gatelela ka gore makalana otlhe a puso a diretswe go thusa Batswana. Rre Morupisi o ne a ba tshepisa fa a tlaa kopa bakwaledi ba maphata ka go farologana go ba etela go tla go utlwa matshwenyego a bone. ENDS politics 7 ‘Dikoloi le ditsela ga di bake dikotsi tsa tsela’ Mogolwane wa tsa itshireletso kwa meepong ya Orapa,Letlhakane le Datshaa, Rre George Sehunelo a re dikoloi le ditsela ga se tsone di bakang dikotsi tsa tsela, a tlhalosa gore batho ke bone ba dirang dikotsi. Rre Sehunelo o buile jalo kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la mafatshefatshe la segopotso sa batswa setlhabelo sa dikotsi tsa tsela o o neng o tshwerwe mo Letlhakane bosheng. A re maikaelelo a letsatsi le ke go gakologelwa ba ba latlhegetsweng ke matshelo le ba ba boneng dikgobalo tse di masisi, ka ntlha ya dikotsi tsa tsela gammogo le ba masika a bone. A re dikotsi tsa tsela di ka thibelwa fela fa badirisi ba tsela botlhe ba ka tsaya boikarabelo jwa go e dirisa sentle, ba obamela matshwao a tsela gammogo le go dirisana sentle le badirisi ba bangwe ba tsela. O tsweletse a tlhalosa gore dikoloi ke dipagamo e seng dibolai, a re badirisi ba tsone ke bone ba dirang gore di bake dintsho. Rre Sehunelo a re nako tsotlhe fa motho a kgweetsa ka lebelo le le ko godimo, wa ba a laletsa kotsi ya tsela . A re go botlhokwa gore nako le nako fa motho a tsaya mosepele o ipotse potso ya gore a ke tla goroga ke tshela kana ke babalesegile. A re dipalo di supa gore batho ba ba amegang thata mo dikotsing tsa tsela ke banana, fa bangwe e le bone ba tshegeditseng itsholelo ya malwapa a bone . Rre Sehunelo o kopile ba na le seabe botlhe go ema ka dinao go lwantsha dikotsi tsa tsela, ka gore puso ka nosi ga e kake ya kgona seru se, a re se batla go tshwaraganelwa. A re fa rotlhe reka thibela dikotsi tsa tsela, re ka fitlhelela seelo sa mafatshefatshe sa go fokotsa dikotsi tse di maswe le dikgobalo tse di masisi ka sephatlo ka ngwaga wa 2020. Rre Sehunelo a re go oketsega ga dikoloi mo ditseleng go na le seabe mo go goleng ga dikotsi tsa tsela. Mongwe wa batswa setlhabelo, Rre Mogolodi Gosenyamang a re go amega mo kotsing, ga se selo se se motlhofo. Rre Gosenyamang a re o ne a thulwa ke koloi kgwedi ya Phatwe e fera bobedi ka ngwaga wa 2015, a tlhalosa gore o ne a thanya morago ga beke a ipitlhela a le ko sepateleng sa Mahalapye. A re ga go motlhofo go ikamogela morago ga kotsi a tlatsa ka gore bonalebogole ga bo monate bona le dikgwetlho. Rre Gosenyamang a re o senyegetswe ke tiro ka ntlha ya kotsi. O ne a supa gore dikotsi tsa tsela segolo jang tsa go thulwa ga batsamaya ka dinao, di dintsi mo Letlhakane, a rotloetsa ba tsamaya ka dinao gore ba ipabalele ba seka ba re dikoloi di a ba bona. O ne gape a gwetlha bakgweetsi gore ba seka ba nwa bojalwa ba kgweetsa ka jaana ba ka ba ka dikotsi. E rile amogela baeng, Kgosi Baruntshi Kegapetswe a supa fa a sa itumelela go tlhoka go tsibogela ditaletso tsa mofuta o ga banni ba motse, lentswa go tsisa molaetsa ko go bone. Kgosi a re batho ba ba amilweng ke dikotsi ba ba bantsi mo Letlhakane, ka jalo o ne a solofetse gore ba tla a tshologela moletlo o. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Motshelo kgomo ya moshate Bogologolo Batswana ba ne ba na le mowa wa boipelego le thulaganyo ya go thusana mo matshelong a bone a letsatsi le letsatsi. Mengwe ya teng ke thulaganyo ya motshelo. Gompieno metshelo e mentsi mo malwapeng le mo kwa ditirong. Bangwe ba reka thoto ya dijo e bo e re ngwaga o fela ba bo ba di kgaogana fa bangwe bone ba reka dilwana tsa matlo tsa kapei. Go nna semphete ke go fete fa ngwaga e fela dikolotsana tsa marekisetso di tlala di bo di penologa. Metshelo e thusa batho go kokotletsa madi gore fa ngwaga o fela malwapa a mangwe a bo a tshwana le a mangwe. Le fa gontse jalo bontsi jwa metshelo ga bo a kwadisiwa ka fa molaong. Go a tle go nne le tlhokaboroko dinako dingwe fa motshwaramadi a a jele mme a nne le seipato. Go bolelwa gore ba bangwe ba kgona go tshuba matlo a bone mmne ba tloge ba re madi le one a shele. Bangwe ba bolele fa malomaabone a sule a ise a duele madi a motshelo. Mo potsolosong, Rre Tumediso Phaphane wa Kanye o boletse fa motshelo wa bone wa maloko a le boferabobedi ba dirile madi a mantsi thata ka gore ba ne ba adimisa e bile ba boelwa ke merokotso o mentsi. Rre Phaphane a re kgwedi ya Hirikgong e tlaa feta fela dijo e le ntletse ntletse fela kwa ga gagwe. Madi o ne a rekela ngwana wa gagwe paka ya sekole yo o simololang mophato wa ntlha. Fa Mme Neo Kgogobi a boletse fa maloko a itumetse thata ka gore ba boetswe e bile ga se maloko a masha ba dira jalo ngwaga le ngwaga. O boletse fa motshelo o le mosola thata o ba ntsha mo lehumeng ka dinako tsa ngwaga o mosha le keresemose. Rre Benny Tselaesele le Rre Sebonego bone ba bone go se gontle ka jaana motshwaramadi a tsene ka lenga la seloko. Ba jele keresemose le ngwaga o mosha ka dipelo tse di botlhoko. Ba mo utlwaletse ko Aferika Borwa society 9 Komiti e kopa thotloetso Motshwarelela modulasetilo wa komiti e e baakanyetsang moletlo wa go ipelela letsatsi la ga tautona wa pele Sir Seretse Khama, Rre Chimbidzani Chimidza a re ba lomile ka meno ka ba sena madi a a lekaneng go rulaganyetsa moletlo oo. O buile jaana fa komiti eo amogela P18 000 go tswa mo komiting ya bagwebi ba letso la se China ba ba direlang kwa Serowe bosheng. Letsatsi le, le ipelelwa ngwaga le ngwaga ka Phukwi a tlhola lesome le botlhano. Fa a ba abela madi ao, modulasetilo wa komiti ya bagwebi bao, Rre Jian Yao o boletse fa ba rata go abela setshaba se ba direlang mo go sone. A re ga se la ntlha ka ba kile ba abela legae la bana la SOS kwa Serowe. Rre Jian o ne a tlhalosa fa ba lebogela kamogelo e ba e bonang mo banning ba Serowe. Fa a amogela mpho eo, Rre Chimidza o ne a kaya fa ba itumeletse thuso e ba e filweng ke bagwebi bao ba ba direlang le go nna mo Serowe. Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa go sa lekana, ka jalo a rotloetsa le go kopa setshaba go ba thusa ka sengwe le sengwe se ba ka se kgonang gore moletlo o atlege. A re ba tlaa bo ba na le letsatsi la go kanoka dibuka Phukwi a tlhola malatsi a le masome mabedi le motso kwa Khama III Memorial Museum, ba na le baitseanape ba ditso ebong Rre Lopang Mosupi le Dr Jeff Ramsay. A re ba tlaa bo ba bua ka dibuka tse di kwadilweng ka ga Sir Seretse Khama, ka jalo ba kopa bana ba dikole le barutabana go tla go ithuta go le gontsi ka mogaka yo wa pele. Rre Chimidza o ne a tlhalosa gape fa go tlaa isiwa thobo kwa kgotleng e tona mme morago go nne le maitiso a ngwao maitseboa, ka jalo a kopa morafe go tla go itisa le bone. BOKHUTLO society 9 Batsadi ba rotloediwa go lesa bana go sala ditoro morago Martha’s Kitchen ke marekisetso a dijo a a tumileng mo Kasane ka go apaya dijo tse di monate e bile di le phepa ka nako tsotlhe. Fa o tsena ka kgoro ya marekisetso ao o kopantshiwa ke monyenyo wa mookamedi e bile e le mong wa madirelo ao, Mme Martha Ramaditse. Mme Ramaditse ke mme wa dingwaga tse di masome mararo le bosupa. O tlholega kwa Nata mme o tlhalosa gore o tsene sekole se segolwane kwa Masunga ka 2009 mme a ya go tsweledisa dithuto kwa Afrika Borwa a dira Diploma in Markerting kwa Helderberg College ka 2001. O tlhalosa fa a tswa kgakala ka go rata kgwebo ka gore e ne e re fa dikole di tswalwa a bo a reka dilwana kwa Afrika Borwa a bo a tla go rekisa mo Botswana mme a boloke madi a teng ka gore o ne a na le maikailelo a go simolola kgwebo fa a sena go wetsa dithuto. Mme Ramaditse o tlhalosa fa a tswa kgakala a rata go nna le botshelo jo bo botoka mme e bile a dumela gore ga go na sepe se se ka kganelang ope go atlega mo botshelong fa a na le maikaelelo a go dira jalo. O tlhalosa fa a godisitswe ke mmaagwe mogolo ka mmaagwe o ne a berekela kgakala mo mafelong a a farologanyeng jaaka Kasane le Maun. A re o gakologelwa a bolelela mmaagwe mogolo gore o e letsa go bula kgwebo ya maroko fa a gola mme mosadimogolo o ne a tshega le go nyatsa ditoro tseo tsa gagwe. A re seo ga se ise se ke se mo kgobe marapo ka gore o ne a batla go rurifatsa ditoro tsa gagwe. Jaaka go twe mosele wa pula o epiwa go sa le gale e ne ya re go fetsa dithuto kwa Afrika Borwa a simolola go bereka mme a boloka madi. Mme Ramaditse a re o berekile mo bankeng ya FNB kwa Gaborone sebaka sa ngwaga, a tloga a bereka kwa marekisetsong a lookwane a Engen kwa Nata e le mookamedi, mme a tloga a bereka ngwaga gape kwa Pandamatenga Food Save e ntse e le mookamedi. A re nako nngwe a ya Zambia go reka dingwe o ne a lemoga go na le batho ba le bantsi mo Kazungula go tswa mafatsheng a sele jaaka Zambia, Zimbabwe, Namibia mme go sena marekisetso a dijo. A re selo se se ne sa tsisa kgatlhego mo go ene ya go simolola kgwebo ya go rekisa dijo. Mogwebi yo a re o ne a simolola ka go rekisa dijo a dirisa koloi ya gagwe kwa Kazungula a apaya dijo tsa phakela le tsa motshegare, mme o ne a lemoga fa kgwebo e dira sentle e bile dijo tsa gagwe di fela ka nako. Jaaka e le mogwebi yo o ponelopele o ne a gwetlhega go nna le fa a direlang teng gore batho ba kgone go mmona motlhofo fa ba batla dijo. O ne a hirisa kago mo Kasane a bo a bula bentlele a dirisa madi a a neng a ntse a boloka. Marekisetso ao, a a tumileng ka leina la Martha’s Ktichen a dira sentle mme e bile a setse a dirile gore a reke setsha sa madirelo kwa Nata go dira Martha’s kicthen ya bobedi. O tlhalosa fa marekisetso a gagwe ka bobedi a thapile batho ba le lesome le bone mme banana ba le lesome le motso. Mme Ramaditse o tlhalosa gore e rile go bona kgwebo e dira sentle ba Local Enterprise Authority (LEA) ba mo laletsa go e kwadisa ka gore go botlhokwa go sireletsa maina a kompone ya gagwe. O bolela fa LEA e ne ya mo thusa gape ka go mo isa dithutong tsa kgwebo mme e bile o rotloetsa Batswana go dirisa makalana a puso a tshwana le LEA ka gore a botlhokwa kgwebong. A re e rile go utlwalela ka kgwebo ya gagwe, khansele ya Chobe ya mo latela mme ya simolola go mo rotloetsa ka go mo thapa nako dingwe gore a nne a ba rekisetsa dijo fa ba na le mediro. Mogwebi yo a re kompone ya gagwe e setse e rekile dikoloi di le nne tsa modiro wa honda fit, mme o tlhalosa fa tsotlhe e le tsa kgwebo. A re ga a ise a ineele mo torong ya gagwe ya go bula kgwebo ya boroko mme e bile o setse a rekile setsha sa bonno a bo a aga dikago mo teng mme o setse ka go feleletsa dipampiri tsa go gweba gore kgwebo eo e simolole. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Mananeo a direlwa go tlhama ditiro Mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe a re mananeo a puso a diretswe gore Batswana ba kgone go tlhama ditiro le go tlhabolola matshelo a bone. Mopalamente o buile jalo fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Mokubilo bosheng, a tlhalosa gore lenaneo la Ipelegeng ke tiro ya nakwana, ka jalo ba dirise mananeo a mangwe go dira dikgwebo. Rre Lelatisitswe o rotloeditse banni gore ba ikwadisetse ditlhopho, a tlhalosa gore ikwadiso e tlaa dirwa Lwetse a tlhola gangwe go tsena ka Ngwanatsele a le masome mararo le bongwe. A re ba dirise sebaka se ka jaana go sena ikwadiso ya tlaleletso. A re ba boloditse letsholo gore batho ba rotloediwe go ntshafatsa boOmang ka gore bontsi jwa bone bo fela monongwaga. Fa a amogela mopalamente, Kgosi Botshabelo Dijeng wa Mokubilo o tlhalositse fa ba sa robadiwe ke ditlou tse di ba senyetsang mo masimo. Kgosi Dijeng a re ditlou tse di isa maduo a temo tlase. Kgosi Dijeng on e gape a lela ka dikoloi tse di fetang ka lebelo le le kwa godimo mo motseng, a re ba sale ba kopile gore e tsenngwe difokotsa lebelo. Kgosi o ne gape a kgalemela mapolotiki a re ba ipapatse sentle e bile ba seka ba tsisa sepolotiki mo kgotleng. A re fa ba ka tswelela ba dira jalo o tlaa ba tseela dikgato. Modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) Rre Gaorapelwe o ne a lebogela mananeo a Ipelegeng a re a tsweletse sentle a bo a kopa gore ba okelediwe dipalo tsa babereki ba Ipelegeng. O supile matshwenyego a tiego ya dituelo tsa Ipelegeng a re ba duelwe nako e le nngwe le bagodi Rre Gaborapelwe a re ba sale ba solofediwa katoloso ya kokelwana, a tlhalosa gore kwa sekoleng ga go na motshine o o romelang melaetsa, o o ntsifatsang dipampiri le mogala. Modulasitilo wa Karekatee Fencing Cluster, Mme Boitshwarelo Masole a re ba ne ba solofetse gore ba tlaa lema temo e e nang le dipoelo ka ba na le terata e e nonofileng, a tlholosa gore ditlou di phutlhamisitse maikaelelo a bone ka go kgaola terata. Mme Masole a re phimolo keledi ya tshenyo ya ditlou e ba baya ka fa mosing ka jaana seelo sa yone se le kwa tlase thata fa a lebile dithwatlhwa tsa terata. O ne gape a re ba sale ba solofeditswe gore kokelwana ya bone e tlaa bereka bosigo le motshegare nako kgolo ke eno. Mme Bakhwi Bakwali a re ba tshela ka temo jaanong ditlou di phutlhamisa maiteko a bone, a tlatsa ka go re gape ba lephata la diphologolo ba tsaya sebaka go ba phimola keledi. Mme Bakwali a re mapodisi a Mokubilo ga ba a sireletsega ka gore ga ba na matlo ba hirisitse mo motseng. A re seemo se se dira gore bangwe ba tshabe go bula fa batho ba tla go bega bosigo. Mme Boitumelo Banona ene o tlhalositse fa mapodisi ba sena madirelo, diofisi a re ntlwana e ba direla mo go yone ga e na motlakase, ntlo e e tshegeletsang babelaelwa ga e na lebati. Mme Banona o ne gape a botsa mopalmente gore kokelo ya Letlhakane e simolola go agwa leng, a tlhalosa gore se se teng gompieno ke bohutsana fela. Mopalamente o ne a ba solofetsa gore matshwenyego a bone a a sa arajwang o tlaa a isa kwa go ba ba lebaneng, a tlhalosa gore go santse go dirwa mealo ya kago ya kokelo. Rre Lelatisitswe a re kgang ya dithendara go rotloediwa gore di dire ke beng ba motse fa ele tse dibafitile ke gone go ka tswelwang ko ntle. BOKHUTLO politics 7 Mopalamente o akgola baithaopi Mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile o akgoletse baithaopi ba sepodisi go ba ba thusitse gore borukutlhi bo wele kwa tlase. O buile jalo kwa phuthegong ya kgotla kwa Tsopye bosheng. Mopalamente o tlhaloseditse batsena phuthego gore ka 2011 matlo a a neng a thubiwa ga bo ga utswiwa mo go one a ne a le 90, ka 2012 a golela kwa go 104 mme ka 2013 ya nna 65. Dipalo tsa mabenkele a a thubilweng tsone di eme jaana; 2011 e ne e le 56, 2012 tsa golela kwa go 95 fa ka 2013 tsa fokotsega go nna 44. O tlhalositse gore dipalo tse, di supa kwelo-tlase thata mo borukutlhing, e bile go supa fa tsa monongwaga di tlaa wela tlase le go feta. Rre Kesupile o tladitse gape ka gore ba ba neng ba leka go thukhutha batho bone, dipalo tsa teng di eme jaana; ka 2011, go ikuetse batho ba le 17 fela, 2012 ba nna 19 fa ka 2013 gone dipalo di wetse tlase mme go ikuetse ba le 8 fela. Rre Kesupile a re, “Ke akgola baithaopi ba sepodise go menagane ka se se supa gore seabe sa bone se supa pharologanyo.” Mo go tse dingwe, o tlhalositse fa batho ba dikgwebo tse di mo ditseleng ba tlhaselwa ke magodu ka ditlhobolo. O boletse fa tona wa itshireletso le thokgamo Rre Ramadeluka Seretse a rile o tlaa oketsa didirisiwa tsa mapodise. Rre Kesupile o tlhalositse gape gore Rre Seretse a re, mong wa kgwebo le ene o tshwanetse go nna le thulaganyo ya go iphemela. O tsweletse a re, beng ba dikgwebo ba ka tlhola ba sepodise go ba fa maele a go iphemela fa ba tlhasetswe. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Ba Ngami ba tshwenngwa ke letlhoko la baoki le melemo Lephata la botsogo le boitekanelo le lebanwe ke tlhaelo ya bongaka le melemo kwa kgaolong ya Ngami. Se, se rurifaditswe ke mookamedi wa Ngami District Health Team (DHMT), Dr Malebogo Pusoentsi fa a araba matshwenyego a banni ba metse ya Sehithwa le Tsau kwa kgaolong ya Ngami bosheng. Fa a bua ka seemo sa Tsau, Dr Pusoentsi o tlhalositse fa go ne go na le baoki ba babelegisi ba le babedi, yo mongwe a iswa kgaolong e nngwe mme ga seka ga isiwa yo mongwe kwa Tsau ka go ne go lebelelelwa kwa go nang le letlhoko thata la baoki teng. A re lephata la botsogo ga le hire baoki ka metse mme le hira ka dikgaolo, kgaolo e bo e nna yone e isang bodiredi kwa seemong se leng maswe teng, mme a solofetsa banni ba Tsau fa seemo se tlaa baakangwa a re motse oo, o na le mooki a le mongwe le mmelegisi a le mongwe mo nakong ya gompieno. Dr Pusoentsi a re go na le kgwetlho ya tlhaelo ya melemo le dipilisi fa e sale puso e tsaya tshwetso ya go fa dikgaolo madi go itlhekela go na le jaaka puso e ne e reka gangwe e bo e abela dikgaolo. A re seo se bakwa ke gore kgaolo ya Ngamiland, e kgakala ka dikhamphani tse di rekisang melemo di le kwa Gaborone a re dikgaolo tse di gaufi, di akola go reka go na le bone a tlatsa ka gore dikhamphani tse di rekisang di na le tlhaelo ya go kgotsofatsa bareki. Dr Pusoentsi o tlhalositse fa lephata la botsogo le dira ka bojotlhe gore dipilisi tse di botlhokwa tsa malwetsi a a tshosetsang matshelo di nne teng, mme go na le tlhaelo ya tse di alafang dikai fela. Banni ba Tsau ba ne ba supile fa ba tshwenyega ka go tlhoka bongaka ka mooki wa bone a sale a fudusitswe ka 2015 mme ga se ka ga isiwa yo mongwe. Modulasetilo wa Komiti ya ditlhabololo kwa Tsau, Mme Keeng Kealeboga o ne a supile matshwenyego ka tlhaelo ya melemo kwa bookelong. Fa a araba selelo sa ngaka kwa Sehithwa, Dr Pusoentsi o tlhalositse fa ngaka yo a neng a bonwe a ne a tlogela tiro go ya mafulong a a matalana a re laphata le tlaa tswelela le tsisa ditirelo tsa bongaka go tswa Maun. O supile fa go na le lenaneo le le mo tseleng le ba botsogo ba tlaa bong ba le tshwaraganetse le University of Botswana go isa ditirelo tsa bongaka kwa Sehithwa. health 6 Bakgweetsi ba lela ka ditsela Bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba kwa Shoshong ba supile ngongora ka seemo se se sa jeseng diwelang sa ditsela tse di ralalang motse. Jaaka dipula tse dinamagadi di nele bosheng, bakgweetsi ba ’bete se molangwana ka seemo sa ditsela ka di epilwe ke metsi mme e bile dingwe tsa tsone di sa tshelwa sekontere le ntswa e le ditsela tse ditona. Ba re ditsela tse di onatsa dikoloi. Mo potsolotsong bosheng le BOPA, mongwe wa bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba, Rre Gomolemo Mokalake o tlhomamisitse fa ditsela tsa Shoshong di ba tshidisa bokete. O tlhalositse gape gore madi a ditshenyegelo tsa go baakanya dikoloi a feta go menagane madi a ba a dirang mo kgwebong. Rre Mokalake o tlhalositse gape fa ditshenyegelo tse di ba baya ka fa mosing fa ba tshwanetse go ya tekong ya dipalamo tsa setshaba ka gantsi ba tlholwa, mabaka e le ditsela. Dingwe tsa ditsela tse ga di tsamaege ka nako ya dipula ka di le mo mmung wa seloko mo nako nngwe e bile ba kgonang go kaalalelwa le go nwela mo diretseng. Le ntswa go na le ditsela di le tharo tse di tshetsweng sekontere e bile di ralala motse, bakgweetsi ba supile fa diteseletso tsa go gweba go tswa kwa lephateng la dipagamo le ditlhaeletsano di supile fa ba tshwanetse go isa bapalami gongwe le gongwe kwa ba go batlang mo motseng, mme se se a ba thatafalela mo dinako dingwe ba iphitlhela ba folosa bapagami fa go sa tshwanelang ka mabaka a diemo tsa ditsela. O ne a bua gape gore fa sengwe se sentswe ke dikhuti mo ditseleng, mapodisi a tsela a ba pega molato wa gore dikoloi tsa bone ga di a itekanela go ka pega setshaba. Rre Mokalake o ngongoregetse gape gore ngwaga le ngwaga ba kgethela dikoloi mme ditsela tse ba tsamayang mo go tsone di le maswe. Rakgwebo yo o tlhalositse fa seemo se se ama kgwebo ka jaanong ba berekela go baakanya dikoloi le go duela lekgetho mme bone ba lala ka tlala. O tlhalositse fa ditsela dingwe jaaka e e yang kwa sekoleng se sebotlana sa Shoshong di sa tsamaege fa dipula di nele mme se se ba itse go isa bapalami kwa mafelong ao ka mabaka a go hema ditshenyegelo. Rre Mokalake o koneteletse ka go re bogolo ba tsenyediwe tsela ya ditena mo motseng ka e sa ture jaaka go tshelwa ga sekontere. Rre Vincent Keokgale, yo le ene e leng mokgweetsi wa dipalamo tsa setshaba, o ne a supa fa ditsela mo motseng di ngomola pelo. O tlhalositse gape fa seemo se se ama ditlhabololo mo motseng ka go se na ope mogwebi yo o ka nnang le kgatlhego ya go tla go gweba mo motseng o o se nang ditsela ka ba tshaba ditshenyegelo tsa dikoloi le palo e e kwa tlase ya baji-bareki. BOPA disaster_accident_and_emergency_incident 2 Kereke ya Roma e aba ntlo Moruti Jeremiah Mkhwanazi wa kereke ya Roma a re kereke e tlamega go supa lerato la Modimo ka ditiro. “Ke ka moo kereke ya Catholic e thusang ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.” Moruti Mkhwanazi o buile jalo fa kereke ya Roma e ne e abela ba lelwapa la ga Mme Mmadijo le Rre Annes Gaebalwe A re kereke e tlhabolola matshelo a batho ka ditiro tse di farologanyeng, mme a kgothatsa maRoma go tswelela ka go abela ba ba ’kobo dikhutshwane, a re se e seka ya nna sewelo fela. E rile a tswa la gagwe, moeteledipele wa mokgatlho wa St Vincent de Paul-Christ the King Cathedral Comference, Mme Magdeline Setsetse a re e rile ba etetse mo Hukuntsi ka 2014 ba lemoga botlhoki jwa ba lwapa loora Gaebalwe mme ba itlama go ba agela ntlo, ka ntlo e le nngwe ya dilo tse di fang motho seriti. Mme Setsetse o ne a bua gore e rile ba le mo letsomong la go batla dithuso tsa madi go simolodisa kago ya ntlo e, Bomme Ba Ga Anne ba ba tla matshidiso fa le bone ba lemoga go tlhokega gore ba agele ba lelwapa la ga Gaebalwe ntlo. Mme Setsetse a re thuso ya bone ga e a ka ya felela ka go agela ba lelwapa loora Gaebalwe ntlo ka ba ile ba bona letlhoko la go godisetsa bana mo tikologong e e siameng gore ba kgone go dira sentle mo dithutong. Ke ka moo ba neng ba tsaya bana ba le bane go tswa mo lelwapeng leo le bana ba le bararo go tswa mo lelwapeng lengwe mo Hukuntsi mme ba ba tsenya sekole kwa Gaborone. Mme Setsetse a re bana ba ba filwe boroko kwa dikagong tsa St Vincent De Pa-Christ the King Cathedral Conference mme ba ba duelela sekole se go ba fa tsotlhe tse ba di tlhong jaaka diaparo le dijo le go ba rekela paka ya sekole. O tlhalositse gore ngwana mongwe go tswa mo lwapeng la ga Mme le Rre Gaebalwe o pasitse sentle ditlhatlhobo tsa mophato wa boraro mme o tsweledisa dithuto kwa sekoleng se segolwane sa St Joseph a dira mophato wa bone. Go ya ka Mme Setsetse mokgatlho wa St Vincent de Paul-Christ the King Cathedral Conference o simolotse o bidiwa Moitshepi Vincent de Paul, mme o simologile kwa France kwa toropong ya Paris ka 1866 mme wa tla mo Botswana ka bo 1960. A re mokgatlho wa Vincent de Paul ke leloko la United Nations NGOs go simolola ka 2015. E rile a leboga, Kgosi Merapelo Tshweneyagae wa Hukuntsi a re o itumeletse bopelontle jo bo supilweng ke St Vincent de Paul le Bomme ba ga Anne ka mpho e ba e abetseng boora Gaebalwe, mme a kopa ba lelwapa la ga Gaebalwe gore ba tlhokomele ntlo e le gore ba seka ba e rekisa ka e le sesupo sa lorato la Modimo go tswa mo kerekeng ya Catholic. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Ba dira kakanyetso ya lenaneo la ditlhabololo E rile bosheng bogogi jwa khansele potlana ya Palapye jwa kopana le dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ya Tswapong Bokone kwa Lerala go dira lenaneo le lesha la ditlhabololo la bo lesome le motso. E re ka lefatshe leno le tswa mo kwelo tlaseng ya itsholelo, mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Palapye, Rre Goloswang Ramogala o boletse fa go ne ga seka ga kgonagala gore go dirwe ditlhabololo tsotlhe mme seo ga se reye gore di ka seke di akanyediwe gape mo lenaneong le lesha la ditlhabololo. O rotloeditse dikomiti tsa metse go akanyetsa ditlhabololo tsa bone ba tsentse marapo mo dinameng e bile ba na le tshepo ya gore tse ba di kopang di tla a diragala. Le fa go ntse jalo, dikomiti ka go farologana di ne tsa ntsha dikopo tse di farologaneng mo metseng ya bone. Dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di ne tsa bolela fa metse ya bone e tshabelelwa ke merwalela ka jalo go tshwanelwa ke gore go dirwe mesele e e ntshang metsi mo motseng. Ba boletse fa bangwe ba badirelapuso ba sena matlo a boroko mme go tshwanetswe gore go sekwasekwe gore a ba ka seke ba a agelwe mogodimo ga moo ba re metse mengwe ya Tswapong Bokone ga e na motlakase ka jalo go tshwanelwa ke gore e gokelelwe motlakase. Matshwenyego a mangwe dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse di a ntshitseng ke a go tsaya ditlamelo kgakala, mafelo a a kgakala a go belegelwang teng le ditsela tse di fa gare ga motse tse di leng mo seemong se se sa itumediseng. Molaodi wa kgaolo potlana ya Palapye, Mme Veronica Rabakane o lebogile botlhe ba ba neng ba tla bokopanong joo bogolo jang makhanselara a a sa tswang go tlhophiwa mo ditlhophong tse di sa tswang go feta mo dikgaolong ka go farologana. Mme Rabakane o boletse fa makhanselara ao ba supa fa ba na le pelo ya ditlhabololo ntswa ba ise ba tlhomamisiwe. O tsweletse a rotloetsa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse go dirisanya le dikomiti tsa badirelapuso mo metseng ya bone ka badirelapuso e le bone ba emetseng puso mme ba ka ba fa dikgakololo tse di lebaneng. politics 7 Banni ga ba supe kgatlhego mo thuto ga e golelwe “Borre, banana ba ba tlogetseng dikole le ba ba sa dirang sentle mo motsing wa Draaihoek ga ba tsibogele thuto ga e golelwe ka go bonala fa ba akanya fa e itebagantse le batsadi ba bone fela,“ ga bua jalo morutabana mo kgotlaneng ya Herero Mme Monica Dikodi fa a ne a le mo potsolotsong le BOPA bosheng. O boletse fa a sale a simolotse tiro ya go ruta bagolo ka ngwaga wa 1998 mme mo lobakeng lo a ise a bone rre ope a tswelela le dithuto tsa gagwe sentle le fa e le ikwadiso ya banana ba dingwaga tse di masome mararo le botlhano. A re mo ngwageng o o fitileng go ikwadisitse monana a le mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bone yo a tsweletseng mme ebile a dira tiro ya gagwe ka botswerere le bonatla. O ne a tswelela ka gore le fa go ntse jalo thuto e e isa mankalengkaleng ka e tlhabolotswe ebile e na le ditlankana fela jaaka dikolo tsotlhe. O ne gape a re le ntswa bagolo ba ikopetse ruri go dira tiro tsa bone tsa malwapa ba leka ka bojotlhe go ba fa tiro go e dira mo bonosing go itsa tiego le pusetso morago mo dithutong. A tlhalosa fa thuto e o e fetotswe mo go nneng ya bagolo fela e e neng e bidiwa Adult Basic Education Programme(ABEP).A re jaanong e inaakantse le banana thata gape e golaganye le dikolo go simolala fela ka se se botlana ka tlhabololo ya dibuka le thuto(subjects) ka leina la Out Of School Education Training(OSET). O ne a tlhalosa fa go na le ditiro tsa diatla jaaka go loga,go apaya borotho le go roka e le tse di ka tlhoufatsang kgolagano ya moithuti le mananeo a a ntshiwang ke puso. O kopile banana le borre ba motse oo go tsaya kgato le santse le ba tlhabetse. A ba gakola fa go bala le go kwala go seka ke ga kwatobolwa ka jalo ba iketeye ka thupana ba ye go ikwadisa ba tsoge ba tshwere ditlankana tsa bone ka matsogo. Mongwe wa baithuti mo kgotlaneng e o mme Margret Vlermuis o boletse fa kgwetlho ya go tlhoka go itse go bala le go kwala e mo ntshitse ka kgoro ya lelwapa go inaakanya le Thuto ga e golelwe. O boletse fa a tlogetse sekole ka ngwaga wa 1980 kwa kisa a dira lokwalo la boboedi ka jalo a lebala go kwala A tlhalosa fa a emisitse go dira sefapaano mo boemong jwa go kwala leina la gagwe jaanong a tlhaloganya tiriso ya mafoko mangwe a sekgoa fale le fale.BOKHUTLO education 4 Moselewapula o epiwa go sale gale Komiti ya boipuso kwa Mogoditshane e setse e tlhagola tsela ya go ipelela letsatsi la boipuoso jwa lefatshe la Botswana. Lefatshe leno le tla a ipelela dingwaga tse di masome a mane le borobabongwe ka kgwedi ya Lwetse e ya fifing. Komiti e, e kopana Laboraro wa beke nngwe le nngwe go buisana le go lekodisana ka fa dipaakanyo di tsweletseng ka teng go yeng ka ditlhophana tse ba ikgaogantseng ka tsone. Mo ipaakanyong ya bone ba ikaelela go shafatsa pente ya leobo la kgotlakgolo ya bone. Tiro e ya go penta e ithaopetswe ke monana ebong Ronald Rakwadi, yo o tlhalositseng fa a tlaa shafatsa le mokwalo wa leobo le o o reng, ‘Botswana pele’. Rre Rakwadi a re o tlaa dira ntle le go lopa tuelo kgotsa katso epe. Ka letsatsi le, ba ikaelela go nna le badiragatsi ba mmino wa dikhwaere, mmino wa Setswana le ba ba letsang dikatara tsa Setswana tse ba reng di itsege ka leina la serope sa pitse. Badiragatsi ba e tlaa bo e le bana ba Mogoditshane fela. Rre Sekhala Barolong yo e leng leloko la komiti e, o kgothaditse bangwe ka ene go ikitaya ka thupana go netefatsa gore sengwe le sengwe se eme ka maemo fa letsatsi leo le goroga. Kgosi Baisang Dihutso o tlhalositse fa le bone e le magosi a Mogoditshane ba sa battle go salela kwa morago. Kgosi Dihutso o boletse jalo mo potsolotsong, a re le bone ba kopana Laboraro o mongwe le o mongwe go bona gore b aka thusa morafe jang. Kgosi Dihutso a re ka letsatsi la boipuso tsholofelo ke gore morafe o tle o apere kapari ya Setswana, a tlatsa ka gore go tla nna le dikgafela fela jaaka e le tlwaelo ya bone. A re mo ngwageng e e tlang o eletsa gore dikgafela di seka tsa kopana le boipuso, selo se a reng o santse a tlaa se buisana le morafe wa gagwe go sekaseka kgwedi e ba ka dirang dikgafela ka yone. Kgosi Dihutso o ne a wetsa ka go kopa morafe go tsosa maoto mo ipaakanyong ya bone go tlhomamisa gore sengwe le sengwe se ya go tsamaya goyeng ka fa a eleditseng ka teng, a bo a ba akgolela tirisanyo mmogo e ba nang le yone. arts_culture_entertainment_and_media 0 Kwelo tlase ya madua e a tshwenya Tona wa Botsogo le Boitekanelo Dr Lemogang Kwape a re kwelo tlase ya maduo a baithuti ba sekole se sebotlana sa Selokolela a a tshwenya e bile a tlhoka go emelwa ka dinao. O buile jaana fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Selokolela bosheng. Ka jalo Mopalamente wa Kanye Borwa o kgothaditse batsadi go tsaya karolo e tona mo thutong ya bana, a supa fa e le bone bathusi ba bone ba kamoso, e bile e le bone ba ba ka tlhabololang Selokolela isago. ‘Re le batsadi re tshwanetse ra lemotsha bana ba rona botlhokwa jwa thuto, ka e le bone ba re beileng mo go bone, ka jalo go botlhokwa go bona gore tota matsapa di a tsaya kae’’. Tona o ne a supa gape fa a tshwenngwa ke boitseme jwa banana, a ba gakolola go dirisa mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone, go na le go ikanya Ipelegeng. “Go botlhokwa go simolola dikgwebo tse dipotlana go itshetsa e seng go ikaega mo mananeong a puso a tshwana le Ipelegeng, a a thusang fa motho a santse a batla tiro e e botoka,” a supa. Fa a bua ka tsa botsogo, Dr Kwape o ne a gakolola morafe gore ke tshwanelo ya bone go bona thuso e e siameng kwa dikokelong. “Kalafi e simolola pele ka fa o tsewang ka teng pele ga o ka bona thuso mo kokelong. Mme e bile ga se boikarabelo jwa molwetse go latela melemo kgakala le kgaolo ya itekodiso, ka jalo badiredi ba tshwanetse go tlhomamisa pele ga ba romela molwetse kwa kokelong e nngwe.’’ O buile fa dikolotsana tsa ba-na-le bogole di le teng kwa lephateng la gagwe mme jalo ba seka ba bewa fela mo lapeng ba sa bone dithuso tse ba di tlhokang. O ne a lebisa morafe wa Selokolela botlhokwa jwa go dirisana mmogo le go bereka ba le seopo sengwe, bogolo jang tse di amang ditlhabololo tsa motse wa bone. “Re batla dilo tse e leng gore fa di tseelwa ditshwetso ke puso e bo e le tse morafe o di batlang,” a tlhalosa. A re ka jalo go tshwanetse gore go nne le therisanyo le neelano ya dikakanyo, a supa fa go sa tshwanela gore banni ba tseelwe ditshwetso ka ditlhabololo tsa motse wa bone. Mokwaledi wa VDC Mme Matshidiso Pilane o nankotse matshwenyego a le mmalwa a a ba lebanyeng a akaretsa go tlhoka kokelwana ka ba oketsegile ka dipalo mo kgaolong ya bone. O ne a supa fa go na le tlhaelo ya melemo. O tlhalositse fa ba latela dithuso kwa sepateleng sa Sabata kwa Kanye mme moo go ba imela, a supa fa bangwe ba felela ba tlogela go tsaya melemo e le ka ntata ya bokgakala. O buile fa ba lebagane le letlhoko la sekole se sebotlana sa bana mo kgaolong ya bone le matlo a boroko a VDC, a bo a kopa katoloso ya lebota la kgotla. Rre Gaamangwe Letlole, monni wa Selokolela o kopile gore go sekasekwe gore go thaiwe komiti ya tshomarelo di-tsa tlholego e ba ka itshetsang ka yone le go fokotsa tshenyo ya di-tsa tlholego. A re ba-na-le bogole ba sale ba ikopetse go thusiwa ka 2012 mme go ise go nne le nko e e tswang lemina. Modulasetilo wa Kanye Administration Authority, Mme Thupayamodimo Okaile o supile fa banni ba Selokolela ba setse ba ntshitse megopolo ya bone ya ditlhabololo e e tlaa dirwang mo dingwageng tse tharo. O nankotse fa ngwaga wa 2021 go ne go beilwe seelo sa go fetsa go aga Ntlo lehalahala, go atolosa kokelwana, le go aga sekole se sebotlana sa bana, a supa fa madi a ditiro tse a le teng le ntswa ba ise ba simolole. education 4 Ba sekaseka matlhophelo Lekgotla le le ikemetseng la ditlhopho (IEC) le ne kopane le bogogi jwa Metsimotlhabe go sekaseka matlhophelo a a neng a dirisiwa mo ditlhophong tsa setshaba tsa 2014. Mogolwane wa IEC yo o okametseng kgaolo ya Mogoditshane-Thamaga, Rre Boamogetswe Monyena, a re lekoko la gagwe le kopane le magosi, makhanselara le komiti ya ditlhabololo tsa motse go akantshana ka matlhophelo a a neng a le teng mo Metsimotlhabe, gore a ke a okediwe, a fokodiwe kgotsa a tlogelwe jaaka a ntse. Rre Monyena a re mo ditlhophong tsa 2014 matlhophelo a ne a robabongwe go balelwa le a kwa Diagane. Fa ba a kgwa Rre Monyena dikgaba, batsena phuthego ba ne ba tlhalosa fa matlhophelo a siame mme ba kopa gore a okediwe ka go dirisa kgotla ya goo-Madisa go fokotsa mosuke kwa matlhophelong a Community Hall. Rre Monyena o ne a dumalana le bone ka go dirisa goo-Madisa a re se se ka solegela puso molemo ka jaana ditshenyegelo tsa go hirisa ditante le matlwana a boitiketso go sa tlhokege. Rre Monyena o ne a wetsa ka go boeteledipele jwa motse, a re jaanong o ya go direla kwa Mochudi mo kgaolong ya Kgatleng e le mothusa molaodi. Mokhanselara Pelaelo Oreetseng o ne a lebogela tirisanyo mmogo e Rre Monyena a nnileng le yone mo ofising ya gagwe a re o lebogela le seabe sa gagwe mo kgaolong ya Mogoditshane -Thamaga. A re se se raya gore Rre Monyena o rwesitswe boikarabelo jwa go nyadisa le go letlanya batho ka jalo a mo eleletsa masego le matlhogonolo mo tirong e ntsha. Mokhanselara Oreetseng o ne gape a lebogela IEC ka therisanyo e ba e dirang pele ga ba tsaya ditshwetso, a re go isa morero kwa bathong ke go supa tlotlo mo setshabeng se ba se direlang ka jalo setshaba le sone se tlaa nna le tshepho mo go bone. politics 7 Go tlhoka ditlamelo go turela banni Banni ba Mogapi ba ngongoregela seemo sa kokelwana e e mo motseng wa bone mme ba kopa go agelwa kokelo e e nang le ditlamelo tsa pelegi. Ba ntshitse maikutlo a bone mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalemente wa Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila. Banni ba ne ba re go latela ditlamelo kwa Maokatumo go a ba turela ka go le kgakala bogolo jang fa molwetse a gateletswe thata ke bolwetse. Ba re go nna thata go bona thuso ya potlako ka mabaka a mosuke. Ba ne ba tswelela ba tlhalosa gore kokelwana e tlhoka go nna le mokgokolosa le leobo le balwetse ba kgonang go itapolosa ka nako e seemo sa bosa se sa iketlang jaaka dipula le mogote o o feteletseng. Morafe o ne wa bolela fa o santse o letile phetolo go tswa kwa go ba lephata la botsogo go itse gore tiego ke ya eng, ka ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ba sale ba roletse ba lephatla la botsogo setsha go aga kokelo mme le jaana seo ga se ise se diragadiwe mo go sa ba jeseng diwelang. Mongwe wa banni ba motes oo, Rre Tumediso Ali o ne lebogela mogopolo wa gore ditsha tsa dipolase di fokodiwe go tswa ko go dikhilomithara tse thataro go ya ko go tse tharo a re seo se tlaa dira gore palo e e nametsang ya batho le bone ba nne le tshono ya go nna le ditsha tsa dipolase, mme katologano ya didiba yone ga a dumalane le mogopolo wa yone ka gore go ya go baka kgothego ya lefatshe. Rre Keamogetse Gabatwaele a re khansele ya Palapye ga e ba thuse jaaka ba ne ba solofetse ka e sa ba tlisetse ditirelo tse di maleba a ba a kopa khansele gore pele ga ba neela boradikonteraka ditiro ba ba sekaseke ka go nne ga ba duele ba ba ba thapileng mme seo se ba imedisa botshelo. Fa a latlhela la gagwe Rre Mzwinilaa a re, puso e ntshitse didikadike tsa madi mo mananeong a puso go tlhabolola Batswana jaaka Ipelegeng le madi a itshetso a ba-na-le bogole mme seo se dira gore dipalo tsa babereki ba ba thapiwang mo Ipelegeng di okediwe le go ba okeletsa dituelo. Mopalamente o ne a itsise morafe gore kokelo e ba e kopileng e tlaa agiwa ka lenaneo la ditlhabololo tsa setshaba ya bolesome le motso e e tlaa simologang ka ngwaga wa 2017 e bile go tlaa nna le koloi e e rwalang balwetse. Rre Mzwinila o ne a kopa barui go tlhokomela leruo la bone le go jesa dikgomo tsa bone Omang gore ba kgone go rekisa kwa matlhabelong. BOKHUTLO health 6 Ipelegeng e namola bontsi lehuma Lenaneo la Ipelegeng, le bolelwa fa le kgonne go namola Batswana ba le bantsi lehuma. Seo se boletswe ke batho ba metse ya Mmaphashalala, Palla-road le Dibete ba boletse mo diphuthegong tse di neng di tshwerweke mopalamente wa Mahalapye Botlhaba Mme Botlogile Tshireletso. Ba re le fa dituelo tsa lenaneo le di sa tlhapise pelo, gone ba lebogela gore le ba thusitse go dira ditiro di le mmalwa tsa botlhokwa ka lone. Ba boletse fa lenaneo la Ipelegeng le kgonne go bulela Batswana ba bantsi, segolo jang banana diphatlha tsa mebereko. Mo diphuthegong tseo morafe o ne wa ngongorega ka koporase ya Water Utilities ba re e lopa madimadi ntswa metse ya bone tlhaelelwa ke metsi ka dinako tsotlhe. Ba kopile lekgotlana la kabo ditsha la Mahalapye le Shoshong go potlakela go ba baya masimo gore ba kgone go akola mananeo a puso. E rile Mme Tshireletso yo e bileng e le mothusa tona mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae a bua mo diphuthegong tseo a bolela fa maikaelelo a puso ka lenaneo la Ipelegeng e le go thusa batho ba magae ka ditiro go ba namola lehuma. A re le fa setshaba mo dikgaolong tsa lefatshe leno se ngongoregela dituelo tsa Ipelegeng, puso e ne ya di oketsa go tswa mo go P400 go ya go P480 ka kgwedi. Mme Tshireletso o tsweletse a bolelela batlhophi ba kgaolo ya gagwe fa puso e dumalane mo phuthegong e e fetileng ya Palamente go letlelela batho go dirisa lefatshe la temo-thuo ditiro tse di farologanyeng jaaka temo ya nosetso, thuo ya dikgomo tsa mashi, ya dinotshi, ya dikoko tsa mae le nama, ga mmogo le temo ya merogo le maungo. Mopalamente o tlhalositse fa mengwe ya melao e e neng ya dumelanwa e akaretsa wa go tlhabolola lenaneo la ISPAAD le maikaelelo a lone e leng go rotloetsa balemi go lema dijwalo tse di bogadi bo gaufi e bile ba ka bona dipoelo mo go tsone le molao o o letlelelang Batswana go adima madi mo dibankeng go aga matlo a puso e ka a hirisetsang badirela-puso. A re puso e sweditse go duela beng ba diterekere P1 160 tema e e lemilweng, ya jwalwa le go egwa, mme a re ba ba sa ikemisetseng go lema ka ditselana puso ga e na go ba duelela. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Tona o kopa balemi go tlhabologa Tona wa Papadi le Madirelo Mme Dorcas Makgato-Malesu o kopile balemi go tsena mo seemong sa gore ba bule madirelo ka tse ba di robileng mo temong ya bone. A re balemi ga ba a tshwanela go akanyetsa go lema fela ba jela mo ganong kana ba rekisa thobo ya bone mme ba tshwanetse ba akanyetse go bula madirelo go dira tse di farologaneng ka tse ba di robileng. O boletse fa go na le dijwalo di le mokawana tse balemi ba ka di lemang mme ba felele ba ipuletse dikgwebo ka tsone. Mme Makgato-Malesu o ne a bua jalo kwa moletlong wa go lebogela temo ya ngwaga wa 2013/14 ka Labotlhano kwa kgotleng ya Malete kwa motseng wa Tumasera. A re dijo di tshwana le marotse, magapu, mabele le mmidi ke dijo tse balemi ba ka di lemang ba di lemela go ya go di tsenya kwa madirelong a bone go dira tse di farologaneng ka tsone. O ne a tlhalosa fa balemi ba ka dirisa dijo di tshwana le marotse le magapu go dira jeme. A re molemi o ka dirisa dijo tse dingwe tse a di robileng di tshwana le mmidi le dinawa go dira motswako wa dijo tsa leruo. Mme Makgato-Malesu o ne a kopa balemi go ikgobokanya mme ba kope dithuso tsa madi mo mananeong a puso go bula madirelo. O ne a akgola balemi ba metse ya Tumasera le Seleka go bo ba tsweletse ka go tsaya dikgakololo di tshwana le tsa go lema ka ditselana tsia. A re nako e gorogile ya go tsena mo temong e e tlhabologileng go bona dipoelo. A re balemi bangwe fa ba gakololwa ke puso go lema ka ditselana ba bolela fa ba sena diterekere, ka jalo a re ditonki le tsone di ka dirisiwa go lema ka ditselana ka bangwe ba balemi ba na le tsone. Mme Makgato-Malesu o boletse fa mo ngwageng wa 2013/14 wa temo lefatshe leno le okeditse temo go menagane mme fa balemi ba ne ba lemile ka ditselana botlhe temo e kabo e oketsegile thatha thata. O tsweletse a re balemi ba tshwanetse ba leke gotlhe mo ba ka go kgonang go dira dipoelo tse di fetang madi a puso e a dirisang mo go ba lemeleng ka fa go sa nne jalo itsholelo ya lefatshe leno e ka wela tlase. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Kwalang ditso - Molefhi Batswapong ba gwetlhilwe go kwala ditso tsa bone gore di seka tsa nyelela. Mo letsatsing la go ipelela ngwao ya Setswapong kwa Ramokgonami bosheng, tona wa dipalamo le ditlhaeletsano, Rre Nonofo Molefhi o boletse fa Batswapong ba na le ditso tse di nonneng tse di tlhokang le go kwalwa mme fa ba sa tsibogele go di kwala ba tlaa lelela kgama le mogogoro ka ngwao ya bone e tlaa nyelela e bo e felela e se na motlhala. O tlhalositse gore kgaolo ya Tswapong e na le ditso di le dintsi tse di ka kgonang go dira bojanala di akaretsa metswedi ya metsi mo dithabeng, dinonyane ka mefuta le dithaba tse di dikaganyeditseng metse. Rre Molefhi o rotloeditse metse ya Tswapong go bopagana go dira dikomiti tse di itebagantseng le go tsosolosa ngwao gore ba thuse komiti e e ntseng e le teng ya Lentswe la Batswapong. A re dikomiti tseo ke tsone tse di tlaa kgonang go rulaganya moletlo wa go ipelela ditso tsa bone ngwaga le ngwaga. A re merafe ya lefatshe leno e tshwanelwa ke go lemoga bosetshaba jwa yone go aga bomorafe jwa yone. O boletse fa morafe mongwe le mongwe o na le tshwanelo e e lekanang le ya e mengwe, ka jalo go se na morafe ope o tshwanelo ya one e leng botoka mo go e mengwe. A re morafe wa Batswapong ga se morafe fela o le nosi o o nang le ditso tse di nonneng mme merafe ka go farologana e tshwanetse e kwale ditso tsa yone. A re moletlo wa Lentswe la Batswapong o tsweledisa meletlo e mengwe e e ntseng e tshwarwa ngwaga le ngwaga kwa Tswapong. Bokhutlo arts_culture_entertainment_and_media 0 Mekgwatlha e oka dirukutlhi Mookamela mapodisi a Lobatse, Superintendent Photsanyana Mogatsaseno, o gakolotse setshaba go ikela tlhoko fa ba tsamaya mo mekgwatheng. O buile se mo potsolotsong bosheng. A re fa ngwaga o ya bokhutlong jaana, dilalome ke gone fa di ipapanang teng go tshwarela batho mo mekgwatheng ka ba itse fa ba tsamaya ba tshwere madi a mantsi go rekela ditsala le ba masika dimpho tsa matsalo a morena le ngwaga o mosha. Superintendent Mogatsaseno o tlhalositse fa batho ba itlwaeditse go dirisa mekgwatha e e sa babalesegang go tsamaela kwa mafelong a bonno le a a nang le ditlamelo. A re se, se rotloediwa ke gobo go le gantsi mekgwatha ya go nna jalo e le bofefo go na le ditsela tse di bulegileng. Superintendent Mogatsaseno o tlhalositse fa mekgwatha e, e ka tswa e le mebila e e ralalang dikgwa, diphaposi tse di dikaganyeditsweng ke dikago tse ditona, ditsela tse di senang motsamao o montsi wa batho ga mmogo le ditsela tse di senang dipone. O tsweletse a supa fa gantsi dilalome di lalela batho mo mosong le mo maitseboeng. A re dinako tse, di ratwa ke dirukutlhi ka go a bo go le lehitshwana gape batho ba a bo ba ya ditirong kana ba tswa ditirong. Mo makgethong a le mantsi ba ba babalelwang ke go kgothosiwa mo mebileng e, ke bomme. Melato e tshwana le wa petelelo, go amogwa dithoto ka dikgoka le ya tsietso e le yone e tlwaelesegileng go bonwa e diragala mo mebileng e e iphitlhileng go ya ka Superintendent Mogatsaseno. O tlhalositse fa dithoto jaaka megala ya matheka, dibalamakgolo e le tsone tse dilalome di itebagantseng le go di amoga batho. A re se se ka tswa se bakwa ke gore di na le mmaraka. Go tsibogela se, Superintendent Mogatsaseno o kopile setshaba go emisa go reka dithoto tse go belaesegang e le tsa bogodu. O ne a tswelela a tlhalosa gore e le ba sepodisi sa Lobatse ba malala a laotswe go netefatsa gore baagi ba Lobatse ba tswelelela ba babalesegile. Spt Mogatsaseno a re ba patorola mekgwatlha yotlhe e e ka nnang borai mo matshelong a batho bosigo le motshegare. O supile fa tiro e, ba e tshwaraganetse le baithaopi ba sepodisi. O kopile setshaba go ikela tlhoko mo dilalomeng a bo a gakolola setshaba go tsamaya ka digongwana. A re go tsamaya ba le digongwana, ke yone nngwe tsela ya go fema go tlhaselwa. O gakolotse gape gore fa go kgonega batho ba emise go tsamaya bosigo le gone go tsamaya le batho ba ba sa ba itseng. crime_law_and_justice 1 Mabitla a gomagomediwa ke ditlamorago tse di kotsi Kgosi Moemedi Selolwane wa kgotla ya Selolwane mo Tutume a re o tshwenngwa ke go bo mabitla a kgotla eo a le mo lotshitshing lwa noka. Kgosi o supile fa seemo seo se na le ditlamorago tse di sa siamang. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Selolwane o boletse fa go ka tswa go sa nna le go lebela pele ka tse di ka tlhagogang fa go bewa ditsha tsa mabitla bogologolo. Mabitla a a amegang ke a a itsegeng ka maina a Tjensusu le Dziba la Mathafeni. Kgosi o boletse fa mabitla a a babalesegileng fela e le a Karana, ka a le kgakala le ditsha tsa bonno le noka. Kgosi Selolwane o tlhalositse fa noka le tikologo ya yone di na le mefuta ya mmu e bangwe ba kgatlhegelang go e dirisa mo go tsa kago, mme ba sa sitege go epa gaufi le mabitla. O boletse fa mo makgethong a le mmalwa a kgalemetse bangwe ba a ba fitlhetseng ba dira tshenyo ya go gogola motlhaba le seloko fa lotshitshing lo go beilweng mabitla mo go lone. A re bangwe ba latlhela matlakala a a akaretsang dikhakha le ditsiri mo mahuting ao, selo se se gomagometsang go kgotlela noka. Go lebega fa ba ba leswafatsang tikologo ba dira jalo ka dinako tse metsamao ya batho e a bong e fokotsegile, gape ba sa bonwe ka mabitla a sa bapa thata le ditsha tsa bonno. E ntse e le mo kanokong ya lefelo leo, dipodi tse gantsi di tsamayang di sena badisa di fitlhetswe di fula gaufi le mahuti ao. Kgosi Selolwane yo ka dithutego a dirileng tsa tepo-loapi, o umakile fa a tshogela gore fa go ka nna le morwalela mo godimo ga tshenyo e e leng teng, noka e ka penologa. O supile fa seo se ka baka go atologa ga bophara jwa noka. Kgosi o gateletse gore katologo eo kgabagare e ka baka go gonyega ga mabitla. Kwa ntle ga seo, kgosi o amile ntlha ya gore mabitla le one a ka kgotlela noka eo, e batho ba dirisang metsi a yone ditiro tse di farologaneng. Fa a akgela ka ga sekidi sengwe se le sone se leng fa lotshitshing gaufi le borogo mo kgotlaneng ya Nzinda, Kgosi Selolwane o rurifaditse fa mo sekiding seo go le mangwe a mabitla a ntlha a bogologolo. O rile ka go bo mabitla ao a sena sekao, o kopile ba malwapa a a amegang go a agelela ka legora go tila dikgotlhang le ba ba a ralalang kgotsa ba ba dirang sepe se se sa siamang gaufi le one. Ka ntlha ya seemo se se sa jeseng diwelang ka mabitla a a mo lotshitshing, Kgosi Selolwane a re o itlamile go simolodisa dipuisano le dikgosi tsa dikgotlana tsa motse wa gagwe mo kgweding eno go tswa ka tharabololo. Kgosi o boletse fa keletso ya gagwe e le gore morafe o batlelwe setsha se sengwe sa mabitla, fa go katogileng noka, go tlhomamisa tshireletsego ya one. ENDS society 9 Go tshela le bogole ga se bokhutlo Rre Pinda Kgame go tswa lephateng la ba-na-le bogole mo ofising ya ga Tautona o rotloeditse ba-na-le bogole go akola mananeo a puso go itlhamela ditiro le go itshetsa. O buile se ka letsatsi la bo-na-le bogole bosheng kwa Kanye.letsatsi le le faphegeleng le le ne le ipelelwa ka fa tlase ga setlhogo se se reng, go akaretsa ba-na-le bogole mo ditirelong tsotlhe tsa setshaba. Fa a fa dikai go rurufatsa setlhogo sa letsatsi leo, Rre Kgame a re ba-na-le bogole ba tshwanetse go akola ditirelo tsa setshaba fela jaaka Motswana mongwe le mongwe. A re fa go dirwa mananeo a puso kana go agiwa dikago tsa setshaba go tshwanetswe go lebelelwe dilo tseo gore ba-na-le bogole le bone ba akole ditlamelo ka botlalo. A re go tshwanetse go agiwa dikago go itsiwe fa go na le batho ba ba dirisang dikolotsana tsa maoto, go tshwanetse go dirwa mananeo go itsiwe fa go na le batlhoka pono. O tlhalosa fa puso e thusa ba-na-le bogole, a re bangwe ba setse ba simolotse go amogela madi a ba-na-le bogole a kgwedi le kgwedi.A re ba ba iseng ba a tsee, ditshekatsheko di santse ditsweletse mme morago ga ditshekatsheko fa di sena go senola fa ba na le dikgwetlho tsa go itirela ba tla ba amogela madi ao go simolola ka kgwedi ya Moranang. Rre Kgame o tlhalositse fa puso e phutholotse letsogo go thusa Batswana go inamola lehuma, a tlatsa fa ba-na-le bogole bone ba akola mananeo ao. society 9 Mogokgo o lela ka maitsholo a bana Mogokgo wa sekole se segolwane sa Moeng College, Rre Abram Thapedi, a re ga a itumedisiwe ke maitshwaro a bana ba sekole sa gagwe. A re barutabana ba sekole sa gagwe ba leka ka bojotlhe go tsenya bana mo tseleng mme ba itaya se fololetse. Rre Thapedi o ne a bua jalo kwa kabong dimpho ya sekole sa Moeng College bosheng. O ne a kopa batsadi ba bana ba ba tsenang kwa sekoleng sa gagwe go tshwaraganela le barutabana tiro e tona ya go ba tsenya mo tseleng. A re bana ba sekole sa gagwe ba dule mo taolong gotlhelele ka ba dira ditiro tse di duleng mo tseleng ebile ba supa fa ba sa tlhwaafalela dithuto tsa bone. A re bangwe fa dithuto di tsweletse ba a robala fa bangwe ba kgona go tswa mo sekoleng nteng le tetla mme ba bangwe ba utswa dithoto tsa ba bangwe mo matlong a borobalo. Rre Thapedi a re tiragalo nngwe e e neng ya mo utlwisa botlhoko bosheng ke e bangwe ba baithuti ba neng ba tlhaga mo sekoleng dithuto di tsweletse mme ba ya kwa merakeng mengwe ba ya go bolaya kgwathe. A re bogogi jwa sekole bo ne jwa dira maiteko a go ya go ba batla mme ba fitlhela ba apeile kgwathe oo kwa morakeng wa mongwe ka beng ba moraka oo ba ne ba seyo. A re go utlwisa botlhoko ka bone e le barutabana ba leka ka bojotlhe go baakanya bokamoso jwa bana mme bone ba sa tlhoafala. A re bana ba sekole sa gagwe ba nna mo sekoleng botlhe ka jalo motho a ka solofela fa ba tla a ntsha maduo a a nametsang ka ba na le nako e ntsi ya go ithuta mme ba dirisa nako ya go ithuta mo go tse di duleng mo tseleng. Rre Thapedi o tsweletse a re bothata jo bongwe jo botona jo bo mo sekoleng sa gagwe ke boimana jwa bana ba sekole. A re bana ba ba setseng ba dule mo sekoleng ntateng ya boimana fa e sale ngwaga ono o simologa ba lesome le bongwe fa go tshwantshanngwa le ngwaga o o fetileng mo nakong eno ka ba ne ba le masome a mabedi le bosupa. A re dipalo tseo di ile kwa tlase mme go santse go tshwenya. Ka jalo o ne a ikuela mo batsading go dirisanya le barutabana go kgalema bana a bolela fa barutabana ba ka seke ba kgone ba le nosi. Mogolwane go tswa kwa moepong wa BCL Rre Motsile Sibanda o ne a akgolela sekole sa Moeng College go dira sentle mo go tsa metshameko. A re setlhopha sa volleyball sa basetsana se ne sa dira sentle kwa dikgaisanyong tsa BISA kwa bangwe ba le babedi mo setlhopheng seo ba neng ba fiwa dietsele. education 4 Major Lesole o bolokilwe Ba boemedi ja America le Botswana ka fa mhameng wa sesole ba boletse fa ba latlhegetswe ke mogaka wa dithutego tsa maemo a a kwa godimo mo lekalaneng la tsa difofane, Major Moabi Lesole yo o tlhokafaletseng kwa America kwa a neng a ile ithutuntshong teng. Molaetsa go tswa kwa moemeding wa lefatshe la America mono Botswana, Rre Miller o tlhalositse mo molaetseng wa gagwe gore tshwaragano le tirisano ya bone le lefatshe leno mo go tsa ithutuntsho e le e e senang bolekanyetso mo mhameng wa sesole, segolo jang ba lebeletse batlhalefi ba lefatsahe leno le nang le bone jaaka Major Lesole. Mo boemong ja sesole sa mono gae Brigadier Otumiseng Tseleng o ne a re e le ruri ba latlhegetswe ke mogaka wa dikitso-kitso, yo o rutuntshitsweng mo go tsa boranyane ja difofane, le tsone tsa ditlhaeletsanyo le tse dingwe fela jalo mono gae le kwa mafatshing a mangwe jaaka la India, tse di neng tsa mmaya mo seemong se se mo kgontshitseng go neelwa tlotla ya Distinguished Service Award monongwaga. Moswi Major Lesole o diretse sesole sa lefatshe leno dingwaga di le masome a mabedi le bongwe ka botswapelo, e le setswerere sa go hula, a na le seriti sa boeteledipele, o ne a rutintshiwa mo go tsa botsamaisi ka maikaelelo a go bewa mo maemong a borutuntshi. Moswi “Soldee, Fakaza, kana Data Base” jaaka a ne a tlwaelesegile go bidiwa ke ditsala le balekane ba gagwe kwa tirong le mo gae e ne e le motho yo o botlhale thata a le mabogodika, a rata batho gape e le motho wa setshego le monyenyo ka dinako tsotlhe. Fa a lekodisa ka se se bakileng loso, Rre Gabobewe Lekalake mo boemong ja ba lelwapa o tlhalositse fa Major Lesole a tlhokafatse ka kotsi ya koloi, o ne a na le ditsala tsa gagwe ba le bane ka ene, a le mongwe o ne a tswa fela a sa bona dikgobalo fa ba babedi bone ba ne ba bona dikgobalo, mme go tlhalosiwa fa ba sa ntse ba di alafelwa gone kwa America. Rre Gabobewe o ne a re, moswi o emeletse mono gae kgwedi e e fetileng. O ne a ya America go dira dithuto tsa gagwe tsa Senior Command and Staff kwa Maxwell Air University ka Seetebosigo a simologa mono ngwaga, kgwedi e e ne e le ya gagwe ya bobedi a le koo, mme ka thulaganyo ya Modimo a latlhegelwa ke botshelo mo sebakeng se sekhutshwane se a se ntseng koo. Moswi e ne e le motshameki wa chess, pingpong, kgwele ya dinao, karate gape e le seopedi. O tlaa gakologelwa ke ba le bantsi, masika le ditsala ka matlhaga-tlhaga a gagwe. Dibui ka go farologana ba ne ba mo kaya ka mafoko a le mangwe gore e ne e le setswerere sa pina, ebile e le radikitso, a sa tshabe go emelana le dikgwetlho, e ne e le motho yo ka dinako tsotlhe a dumelang mo go reng ga gona sepe se se ka palelang motho. E ne e le motho yo o tsenang gongwe le gongwe le mo go tsone ditiro tsa selegae tota. Bangwe ba ditsala tsa gagwe Major Chirstopher Tshibego le Rre John Moloi ba ne ba kaya moswi e le motho yo o neng a ineetse thata go direla lefatshe la ga bone, le go le isa kwa mankankaleng ka ditsela tsotlhe tse a neng a di kgona, ba re o nnile sekao mo balekaneng ba gagwe le mo go ba ba botlana. Major o tlogela mmaagwe, bokgatsadie ba le bararo le bo morwa rragwe ba le babedi le ditlogolo. society 9 Tona o kopa tshwaragano ya makhanselera Makhanselara a kgaolo ya Kweneng ba kopilwe go seegela thoko dipharologano tsa bone tsa sepolotiki mme ba tshwaragane go tlhabolola kgaolo ya Mokwena. E rile a bula semmuso thutuntsho ya makhanselara a kgaolo ya Kweneng, mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso a gakolola makhanselara go itisa mo dikgannyeng tse di sa ba tshwaraganyeng mme a ba rotloetsa go eteletsa dikeletso tsa setshaba pele go na le maikutlo a bone. A re go le gantsi baemedi ba sepolotiki ba kgona go kgala dikgang tsa botlhokwa tse di ka thusang go tlhabolola fela ka gore ke megopolo ya ba ba sa dumalaneng le bone mo dikgannyeng tsa sepolotiki, a supa fa seo se ka busetsa morago maiteko a go tlhabolola dikgaolo tse ba di emetseng le matshelo a batlhophi ba bone. Mothusa tona o gakolotse le go kopa makhanselara ba bontsi jwa bone eleng banana go kgatlhegela go ithuta dilo tse di ka thusang mo go tlhabololeng matshelo a batlhophi ka go sala tsamaiso morago. O bile a gatelela botlhokwa jwa go dira ka neelano le bodiredi gore ba kgone go fema dikgang tsa go gotlhagotlhana, a supa fa seemo seo se ka sesafatsa tirisano le go kgoreletsa ka fa ditlamelo di tshwanelang go ntshiwa ka teng. Mme Tshireletso yo gape eleng mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, a re moemedi wa popota ke yo o lwelang popagano ya setshaba ka go hema makgamu gore a kgone go fitlhelela ditoro tsa gagwe. O rotloeditse makhanselara go tsaya ka tlhoafalo thomo e ba batlhophi ba e ba beileng pele. Fa a ntsha la gagwe, mokhanselara wa pele wa kgaolo ya Thamaga Botlhaba Rre Basi Kontle fela jaaka mothusa tona o gakolotse ka botlhokwa jwa popagano go tlotla dikeletso tsa batlhophi. O rotloeditse ka botlhokwa jwa go tshwaragana le baeteledipele ba morafe ba akaretsa dikgosi le dikomiti tsa ditlhabololo mme a ba kopa gore ba seka ba di ikgagapelela gore ba kgone go bona tlotlo mo morafeng o ba o eteletseng pele. Dingwe tsa dikgang tse Rre Kontle a supang fa di tshwanelwa go kgwiwa mathe ke tsa go ratana le bodiredi, a supa fa go dira jalo ele go itiga seriti le gone go kgoreletsa maikaelelo a go tsamaisa ditiro tsa ditlhabololo, go laolesega ga bodiredi gammogo le go ntshiwa ga ditirelo. A re go botlhokwa gore bodiredi bo itlwaetse go bala go anywa dikitso gore bo kgone go dira tiro ya jone ka manontlhotlho. BOKHUTLO politics 7 Thuto ga-e-golelwe e mosola Go tlhalosiwa fa banni ba Takatokwane le metse e e mabapi ba sa tsibogele lenaneo la thuto-ga-e-golelwe ntswa bangwe ba santse ba lebanwe ke kgwetlho ya go tlhoka go itse go bala le go kwala. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mokhanselara wa kgaolwana eo bosheng, motlhatlhelela dithuto mo lenaneong la thuto-ga-e-golelwe kwa Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Alfred Tutu a re ba itemogela dipalo tse di kwa tlase thata tsa batho ba ba ikwadisang mo lenaneong le, mme a kaya fa ba tshwentswe ke seemo se. A re go a tshwenya go bona batho ba le maoto a tshupa go tsibogela dithuto tsa mahala tse ba ka kgonang go itshetsa ka tsone ka e bile lenaneo le tlhabolotswe go nna le dithuto tsa diatla di tshwana le go roka le tsa dikhomputara, a kaya gape fa bontsi bo sa ntse bo sa kgone go ipalela le go kwala. Rre Tutu a re go tlhoka go itse go bala le go kwala go ka nna le seabe mo go reng setshaba se tlhoke go tsena mo mananeong a puso a a ka ba namolang mo lehumeng, le gone go tsenya letsogo mo ditlhabololong tsa metse ya bone le lefatshe ka kakaretso. A re thuto e e ka isa mankalenkaleng ka e tlhabolotswe e bile e na le ditlankana fela jaaka dikole tse dingwe mme a supa fa bangwe ba ba neng ba seka ba ipona tsapa ba tsibogela lenaneo le ba kgonne go ipulela dikgwebo di tshwana le go roka e bile mo nakong eno ba itshedisa ka tsone. A re puso e ne ya neela lekalana la thuto-ga-e-golelwe boikarabelo jwa go tsamaisa dithuto tsa ditiro tsa diatla e le tsela nngwe ya gore Batswana ba itshedise ka diatla tsa bone gore ba seka ba ikaega thata ka puso. Rre Tutu o ne a gatelela botlhokwa jwa gore Motswana mongwe le mongwe a nne le kitso ya go dirisa dikhomputara, a kaya fa e le mekgwa e e dirisiwang thata mo malatsing a segompieno mo go tsa thuto le tsa ditlhabololo mme a gwetlha morafe go iketleeletsa go inaakanya le thuto-ga-e-golelwe go akola dithuto tseo mahala. Rre Tutu a re puso e rotloetsa thuto mme, ke ka moo lengwe la maitlamo a tebelopele ya 2016 e leng gore tshaba ya Botswana e bo e rutegile, ka jalo a kgothatsa Batswana go tshela maitlamo ao ka go inaakanya le mananeo a tshwana le la ga-e-golelwe. education 4 Bogodu le tshenyo kwa mabitleng di a tshwenya Mothusa kgosi wa Mahalapye, Kgosi Tshipe Tshipe a re o tshwenngwa ke tshenyo le bogodu tse di dirwang kwa mabitleng a Botalaote. Kgosi Tshipe a re ditiro tse di dirwang tsa botlhoka tsebe di senya tebego ya mabitla. O tlhalositse mo potsolotsong le BOPA gore ngogola terata e e ageletseng mabitla e ne ya tlhabololwa mme mo nakong eno e setse e onetse ka e kgaolwa ke bangwe ba ba inaakantseng le go dira ditiro tse di duleng mo tseleng. A re seemo seo se dira gore leruo le bake tshenyo mo mabitleng. O ne a supa gore diheke tse di neng di tsentswe go laola motsamao kwa mabitleng di heletse di utswilwe ka gore bangwe ba tsamaya ka dinao le ka dikoloi ba setse ba itlwaeditse go dirisa tsela e ralalang mabitla ao O supile gape fa go na le bangwe ba ba sa tlhokomeleng mabitla a masika a bone mme seo se felele se senya tebego ya mabitla. Kgosi Tshipe o ne a kopa banni ba Mahalapye go tlhokomela leruo go itsa go baka tshenyo mo mabitleng le kwa mafelong a mangwe a setshaba. A re bogologolo mabitla a ne a tlotlwa a sa ralalwe motlhofo jaaka go diragala mo malatsing ano. O tlhalositse fa go tlhokomela mabitla go supa tlotlo le lorato mo go ba ba tlhokafetseng. A re seo ke sekao sa tshaba e e nang le maikarabelo. Kgosi Tshipe a re bogosi bo leka ka bojotlhe go ruta setshaba ka botlhokwa jwa go somarela mabitla mo di phuthegong tsa kgotla mme ga gona phetogo epe ka gore tshenyo ya ko mabitleng e golela pele. Kgosi Tshipe o supile gore molao o teng, ka jalo a tlhagisa ba ba dirang tshenyo kwa mabitleng gore ba emise go dira jalo ka gore motsing ba tshwarwang go tlaa dubega. O kopa puso go akanyetsa go thapa ba ba ka tlhokomelang mabitla go fokotsa tshenyo le bogodu. ENDS crime_law_and_justice 1 Diphetogo di a bonala kwa Molefi Mogolwane wa thuto kwa kgaolong ya Kgatleng, Sir Wonder Masebola o akgoletswe go bo go nnile le diphetogo kwa sekoleng se segolwane sa Molefi fa a sale a tla. Mafoko ao a builwe ke mokhanselara wa Moshaweng, Rre Patrick Hersey mo phuthegong ya khansele ya Kgatleng bosheng. Rre Hersey o boletse fa sekole sa Molefi se kile sa bo se itsege ka botlhoka tsebe jo bo kwa godimo jwa baithuti mme seo se ritibetse fela thata, a tlatsa ka gore go botlhokwa gore go gagamalediwe ruri ka thuto e le botlhokwa mo baithuting. A re go botlhokwa go babalela tswine ya maduo a bana ba ba mo kgaolong ya Kgatleng gammogo le go kgothatsa mogolwane wa thuto le badiri ka ene gore maduo e nne a a nametsang. Mokhanselara Hersey o tlhalositse fa Lephata la Botsogo la melemo le dipilisi le ntsha maduo mo kgaolong ka le romela melemo le dipilisi kwa mafelong a a farologaneng mme seo se thusa balwetse gore ba seka ba ya go tsaya melemo kgakala. O tsweletse a re dikokelo tse di potlana di le masome a mabedi le bosupa di mo tirisong e bile dipilisi tsa diritibatsi tsa mogare wa HIV/AIDS le tsone di teng go fiwa balwetse mme seo ke maiteko a magolo fela thata. Mokhanselara Hersey o lebogetse ba sepodisi mabapi ka maduo a dikganedi tsa bone di a ntshang mo kgaolong le tikologo go lebilwe seemo sa borukutlhi le botlhoka tsebe. Fa a ntsha la gagwe mokhanselara wa Mosomane West, Rre Solomon Ruele o boletse fa sekole sa Khurutshe se tshwanetse sa bewa leitlho ka boroko jwa baithuti bo pitlagane e bile botsogo jwa bone bo sa jese di welang. Mokhanselara Ruele o tlhalositse fa go le botlhokwa gore khansele e akanye sesha ka sekole seo ka le ditlamelo di le kwa tlase fela thata kwa go sone, a tlatsa ka gore go ka nna molemo fa baithuti ba ka fudusediwa kwa Kgomodiatshaba. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Kgamane o bolotsa letsema E ne yare bosheng morafe wa Bangwato wa tshologela kwa kgotleng kgolo ya Serowe go ya go itseela ka tsebe fa Kgosi Sediegeng Kgamane a ne a bolotsa letsema la monongwaga. Kgosi Kgamane o ne a tlhalosa fa e le tlwaelo ya Batswana e bile e le ngwao gore ka kgwedi ya Phalane go bolotswe letsema go golola balemi go ya go lema kwa masimong a bone gonne nako ya temo e a bo e setse e atametse. O ne a kgothatsa balemi ba motse oo go sala ditaelo tsa ba lephata la temo thuo morago ka nako tsotlhe, ka di ka ba solegela molemo go ntsha maduo a a bonalang mo temong ya bone. O gateletse thata segolo bogolo gore balemi ba sale ditaelo tseo fa ba dirisa melemo e e lwantshang mohero, a tlhalosa fa e le borai fela thata mo matshelong a batho fa e ka se dirisiwe ka fa tshwanelong. Kgosi o ne gape a tlhagisa balemi fa ngwaga ono go gatelelwa thata gore go dirisiwe metlhale ya segompieno ya temo jaaka go lema ka ditselana ka go lemosegile gore fa e dirisiwa sentle e ntsha maduo a a nametsang fa e tshwantshanngwa le ya bogologolo. Ka jalo kgosi a tlatsa ka go tlhalosa fa mo nakong ya gompioeno go sa tlhole go lemelwa go jela mo ganong, mme go lemelwa kgwebo. A re metlhale e mesha ya temo e ka thusa go menagane go ntsha thobo e e bonalang ga mmogo le go baakanyetsa temo nako e sa le teng. O ne a tswelela ka go lebogela balemi ba kgaolo ya gagwe go bo ba ne ba leka ka bojotlhe go lema ka bokete ditema tse di itumedisang mo temong e e fetileng. A re thobo e e fetileng e dikile e nametsa e bile a re o dumela fa bontsi bo se kake jwa wela mo isong ka ba na le se ba tla itshetsang ka sone. O bile a ba rotloetsa go itoma molomo wa tlase go lema go gaisa ngogola. Go sale foo, Kgosi Kgamane a seka a ipona tsapa go iteela beng ba leruo go bo ba dikile ba tlhokometse leruo la bone ka botswerere go gaisa dingwaga tse di fetileng, go le itsa go senya kwa masimong. O ne a ba kgothatsa go tswelela ka mowa oo, o a supileng o eletsega e bile o le botlhokwa fela thata ka a re leruo le na le seabe se segolo mo go fokotseng thobo fa le ka lesediwa go senya mo masimong. Fa a itebaganya le balemi, o ne a ba rotloetsa go tlhokomela masimo a bone go tloga ka nako ya temo go fitlha ka nako ya thobo, a re ba tshwanetse go lemoga fa puso e dirisisa madi go ba tlamela ka tsotlhe tse di tlhokegang mo temong di akaretsa menontshane, dipeo le gone go ba duelela ditema. A re ba ka tlhokomela temo ya bone ka go agelela masimo le gone go leta dinonyane ba tsentse moko mo nameng. E re dikgang di eme jalo, kgosi o ne a gwetlha Batswana ka kakaretso go ya go tlhopha mo ditlhophong tsa setshaba tse di tla tshwarwang kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bone, a kaya fa tlhopho ya bone e le botlhokwa go aga lefatshe leno. economy_business_and_finance 3 Maphata a isa ditlamelo kwa Malatswai Maphata a puso le makalana a a ikemetseng a ne a isitse ditlamelo kwa Malatswai mo kgaolong ya Legare ka Labobedi. Mothusa molaodi wa Serowe, Mme Oabona Kalwetse, o tlhalositse gore maikaelelo a lenaneo la go isa ditlamelo kwa bathong ke go leka go ba khutshwafaletsa mosepele ka jaana ba tsaya dingwe tsa tsone kgakala kwa Serowe. Mme Kalwetse a re bangwe ba bone ga ba kgone gotlhelele go latela ditlamelo kwa Serowe ka mabaka a a farologanyeng,a re gape ke go leka go ba ruta gore maphata le makalana a fa dithuso tsa mofuta ofe. A tswelela ka gore lenaneo le ba thusa gore ba lekole morafe ba bo ba utlwe mathata a bone. Mme Kalwetse o ne a ba tlhalosetsa ka ditirelo tse di fiwang ke ofisi ya ga molaodi, di tshwana manyalo ka mefuta ya one. O ile a rotloetsa gore ba seka ba nna mmogo ba sa nyalana ka gore go dira jalo go dira gore fa yo mongwe tlhokafala masika a gagwe ba bo ba tsenya yo o setseng dingalo ka dithoto. politics 7 Semorafe ga se age Banniba Boro kwa kgaolong ya Maun ba kopilwe go sa dirise kgosana wabone yo mosha mo dikgannyeng tsa semorafe. Seo se builwe ke moemelakgosi yo mogolwane, Kgosi Tshupegetso Bontsibokae kwa kgotleng ya Boro fa a ne a tlhoma semmuso Rre Motswagole Mokgwathi go nna kgosana yaBoro. A re dikgang tsa semorafe gadi amane ka gope le bogosi ka jaana di ka seke tsa bopa motse fa e se go okgaoganya fela. Kgosi Bontsibokae o tsweletsea re semorafe ga se age motse mme ebile le yone tiro ya gagwe e ka mo latlhegelafa a ka ineelela dikgang tsa mofuta oo. O mo kopile gore le fa bangweba ka mo kgobotletsa ba re jaanong ka ke kgosi go raya gore o rekilwe, a seka aba reetsa fa go tla mo di kgannyeng tseo. A re dikgang tse di buiwangkwa malapeng ke tsa beng ba tsone mme tse di mo amang di tlaa tlisiwa kwakgotleng fa e le gore di teng, a tlatsa ka gore kana Motswana a re banthati bakana ka bantlhoi. Kgosi Bontsibokae o kopilegore bo rangwanaagwe le borara ba mo gakolole fa a tswa mo tseleng kana a kopathuso mo go bone mme ba sa mo latlhe, ba seka ba re jaanong re mmeile mosetilong ba bo ba mo tlogela foo a le nosi. O ba kopile gore fela jaakaba ne ba bona go tshwanela gore ba mo rome, ke nako jaanong ya gore ba simololego bereka le ene, ba mo roma e bile ba mo dise thata mo di tirong tse dintle. Gape o tsweletse a re o aitse gore ga se botlhe ba ba neng ba eletsa gore a nne mo setilong seo, mme are ke nako jaanong ya gore ba mo neele tlotlo ka gotlhe mo ba ka go kgonang. A re go tswa kgakala magosi atlotlwa mme mo nakong ya gompieno ke gone o kareng batho ba latlhegelwa kesetho sa bone ka ba sa tlhole ba na le tlotlo le lorato mo magosing a bone. Mankge go tswa kwa lekalanengla thuto ya setho wa mma dikole Rre Anderson Chibani a re o rotloetsa a ba aakgola ngwao ya Batswana ka ba santse ba tshwere ngwao ka go tlotla magosi abone. O tsweletse a re lefa go ntsejalo, o santse a le sebete se molangwana ka ma Aforika mangwe a a rileng ba nale go tlogela dilo dingwe kwa morago mme ba ikgatholose ngwao ba bolela fa esiilwe ke nako. A re ngwao ke go aga setshabale gone go se kopanya tota gore se itlhaloganye kwa se tswang gone le kwa seyang teng, a ba a re e tshwanetse go bolokwa go fitlhela dikokomane di efitlhela. Mankge Chibani a re mothomongwe le mongwe o tshwanetse a tlotla ngwao ka puo, kapari, mmino, dijo letsotlhe tsa ga bone gore go itshupe gore ke mokae, mme a re fa motho a senadilo tseo ke yoo senang ngwao. Moemedi wa maphata a puso aitshireletso a a dirang le bogogi jwa motse oo a dikgolegelo le la sesole sa Botswana Rre Bayei Motsamai, a re o itumeletse thata tshwetso e e tserweng kebogosi jwa Batawana ka go tlhoma kgosi kwa motseng oo. O tsweletse a re o dumela fajaanong ditlhabololo di tlaa nna teng ka bangwe ba santse ba gana go direlateng ba re ga gona ditlhabololo dipe. Rre Motsamai o tsweletse a rekgosi o gololesegile go kopa thuso mo go bone mme ba tlaa mo thusa ka fa ba kakgonang. Fa a ntsha la gagwe KgosiMotswagole Mokgwathi o ne a lebogela botsadi jwa Boro go bo bo ne bo tsile ka A re bone ba ka tsaya gore gogonnye mo ba go dirileng mme a re ene o bona ba dirile tiro e tona thata e eneng e tlhoka lorato le tirisano mmogo, a re o bona gore fa go ka tswelela gontse jalo, sengwe le sengwe ba tlaa se kgona. society 9 Maleshe o ikemetse ka dinao Maleshe ke motse o monnye o o kwa thoko mo kgaolong ya Kgalagadi, wa batho ba palo e potlana. Ditlhabololo le magasigasi ke dilo dingwe tse go itsegeng di se dintsi mo motseng o. E re le ntswa go ntse jalo banni, ba motse o ga ba ikutlwisiwe botlhoko ke letlhoko la ditlhabololo ka ba tlhaloganya seemo sa itsholelo sa lefatshe se se leng kwa tlase, e bile ba leboga mmopi wa lefatshe ka tsa tlholego tse a ba di abetseng mo motseng wa bone. Go lemoga tiro e ntle ya Modimo go bo a ba file di tsa tlholego, banni ba Maralaleng ba dirisa di tsa tlholego go tlhabolola le go ntlafatsa motse wa bone. Mme Susan Mokate wa dingwaga tse 64 ke mongwe wa ba ba dirisang ditsompelo tsa tlholego jaaka mmu,go aga le go kgabisa matlo. Erile mmegadikgang Johannah Martin a mo etese bosheng o ne a kgatlhantsiwa ke mlotsana wa moopelo o o monate,a reetsa a natefelelwa,kante senatla se thinkgetse o phepafatsa lelwapana. “Ke jaaka o mpona ngwanaka go hetlhegile ke besaga,ke busy le lapana je lame je ke a le konomaka gore go bonale gore setshidi se teng mo jarateng e”Mme Mokate revealed. Fa o tsena ka lelwapa la ga Mme Mokate o kgatlantsiwa ke mekgabisa ka go farologana e e dirilweng ka tsa tlholego,mme o fitlhele le sesupo sa gore ngwao e somaretswe mo lelwapeng le, ka le reflect ngwo ya Setswana. Kwa matlong a boroko go nale ntlo e kgolwane ya ditena,matlo a le mararo a a ikemetseng a mmu,segotlho le lelwapana le le bulegileng. Fa a botsoloswa ka bontlenyane jwa lelwapa la gagwe,Mme Mokate o kaile fa a aga ebile a kgabisa matlo a gagwe ka mmu,a supa fa gape a dirisa matlhaku le dikgong go kgabisa.O ne a tselela atlhalosa fa a tsaya ditsompelo tsa gagwe mo tikologong ya gagwe. Fa a botswa gore o gwetlhilwe ke eng gore a bo a le dira tiro e,Mme Mokate a re o tshotswe e le mosadi a le nosi fa gare ga borre,mme go goleng ga bone o ne a bona malwapa a mabapi a kgabisitswe e le kwa ga bone fela ka mmagwe o ne a imelwa ke morwalo wa tiro ya mo lwapeng le kwa sakeng.Sekgantswane se sa re se, se ne sa mo gwetlha gore a ithute go kgabisa lelwapa le go aga matlo a mmu. “Ke ne ka ithuta go kgabisa gore kwa ga rona go tshwane le kwa malapeng a mangwe gore ere bana ba dijarata tse dingwe ba ikgatla ka bontle jwa malwapa a bone le nna ke bo ke le fela mo maemong a bone ke ikgantsa le nna”,she revealed. Susan Mokate a re se sengwe se mo rotloetsang gore a age matlo a mmu gape a kgabise ke gore o rata dilo tsa tlholego,ebile fa a di bona oa di kgatlegela a bo a lekeletsa go di dirisa go kgabisa,a kaya se ele tsela nngwe ya go lemoga tsa tlholego gape ele go lemoga le go leboga Mmopi go bo a tlhodile dilo tsa go tshwana le tse. The 64 old a re o motlotlo ka tiro e ya gagwe ka e mo fa tshono ya go tlotlomatsa le go somarela ngwao.Ntleng ga moo o kaile fa go aga matlo a mmu le go a kgabisa go mo thusa gore lelwapa la gagwe gore le nne le le phepha le kgabe mme ka jalo le nne le seriti sa lelwapa le le tshwereng ngwao le setso tsa setswana. Mme yo o kaile gape fa tiro e ya gagwe e le motlhala mongwe wa khumo,a supa fa a tseneletse dikgaisano tsa ga Tautona tsa botaki le bodiragatsi ka matlo a a gagwe mme a nna mofenyi ngogola le monongwaga,mme a ikgapela dikete tse pedi kgaisano nngwe le nngwe.O tlhalositse fa a ne a dirisa madi go ithekela dilwana tsa ntlo le podi e e setseng e tsetse e ikoketsa. E re le fa tiro e ele mosola thata mo go mme Mokate,a re e nale dikgwetlo te di akaretsang bokoa jwa botsogo,jo mme yo a supileng fa a nale bothata jwa go tshwenngwa ke seatla mme se se mo kgoreletse go dira tiro ya gagwe ka nako. Bokgakala jwa kwa a tsayang mmu teng ebong kwa pane ya Lotlhakane,dikhilometara di ka nna masome mararo le gone ke kgwetlho mo go mme Mokate,ka are se se mogwetlha gore a tlhotlhore dipata tsa gagwe a tshele leokwane gape a thape batho ba ba mo load mmu. Susan Mokate ga a kgale go bua ka lorato lwa gagwe mo tirong e,ebile o eletsa go rutuntsha ba bangwe gore le bone ba kgone go bona dikatso tsa dikgaisano tse a kileng a di tsenelela gape le gore ba nne le seabe mo go tlotlomatseng le go somarela ngwao. Le fa go ntse jalo are batho bogolo jang banni ba motse wa gagwe ga supe ba nale kgatlego ya go ithuta tiro e,ka jalo mo bogompienong o ruta bana ba gagwe fela. Keletso le toro ya ga mme yo,ke gore ba tshwaragane le ba motse wa gagwe ba abelane dikitso tse di amanang le tiro e ya gagwe mme ba age cultural village e e tla busetsang the community gape e oka le bojanala thus contributing in itsholelo ya lefatshe. Godimo ga mmo,o supile fa go aga cultural village go ka ba fa tshono ya go nna le seabe mo go fitlheleleng letshego la tebelopele ya 2016 ya go nne Sechaba se se motlotlo (proud nation). society 9 Molelo wa kgolagano o feta kwa Komana Motsana wa Komana mo kgaolong Ngamiland o amogetse molelo wa kgolagano ka maatlametlo. E rile a bua le ba ba neng ba tsene moletlo oo, kgosi ya pele ya Komana, Rre Khumanego Molelo a tlhalosa fa motse o, o tlholegile kwa Tsau wa bo o ya Toteng. Go tsweng foo motse o ne wa fudugela kwa Boro pele o ya kwa Maun ka ngwaga wa 1914 . Rre Molelo fa a ne a lekodisa phuthego ka ditso tsa motse ko kamogelong ya molelo wa kgolagano mo kgotleng ya Komana bosheng. Rre Molelo a re Maun o ne a kgaogantswe ka dikgotlana tse di ileng tsa felela di phatlalala le metse e ekaretsa Makalamabedi le Shorobe. A re morafe wa Komana o ne e le wa kgotla ya Mabudutsa kwa Maun. A re leina la Komana le tholegile ka gore ba ne ba bapile le lekadiba la Komana mme tota sentle ka tlholego Komana o ne a bidiwa Kika ya Seolo. O tsweletse ka go netefatsa gore ba ne ba tlolela kwa moseja ka ngwaga wa 1937 mme ba boela kwa Komana ka 1965 ba busiwa ke go tlala ga noka. O tlhalosite Fa Komana e le motse o o nang le bodiredi ja puso le ditlhabololo ka go farologana. Pele fa a neela kgosi ya motse molelo wa kgolagano, Kgosana Charles Motshozo wa Toteng o ne a fetisa molaetsa go tswa kwa go Kgosi Kemang Nkakobang wa motse oo yo o supileng fa ba bone molelo wa kgolagano. A re merafe ya metse e mebedi eo ba nne ba itse gore puso ga e a ba lebala e bile ba dire ka natla le ka mowa wa popagano ka gore molelo o o tshwaraganya Batswana. Kgosi Omphile Bogoma wa Komana o ne a amogela molelo wa kgolagano mme a leboga botsadi jo bo tswang Toteng a ba a tlhalosa gore ba amogetse molelo ka tlhompho. Kgosi Bogoma a re o solofela fa molelo o tlaa phatsima o bo o bonesetsa morafe wa Komana. O tlhalositse gape gore ba tlaa nna ba itse gore ba lekotswe fela jaaka molelo o ba golaganya le tshaba yotlhe ya Botswana. Kgosi Bogoma o supile fa letsatsi le e le le le faphegileng e bile le supa popagano le bommogo. Ipelelo ya letsatsi e ne ya natifisiwa ka moopelo ke khwaere ya motse, leboko le go etela mafelo a a faphegileng a ditso a akaretsa setlhare sa Motsentsela le matlhapelo a banna. Fa a tlhalosa, mogolo wa motse Mme Gaekgathe Tlou, a re ba kgethile setlhare seo sa motsentsela gore ba ipelele boipuso mo go sone a na le kgosi ya pele Rre Khumanego Molelo e bile ba ne ba sa itse gore go tlaa agiwa sekole teng. Mme Tlou o tsweletse ka go supa gore e ne e re ba phuthegile jalo ka boiupso go ne go kotangwa dikgong tse a neng a di supa foo, a re ba ne ba sa kgathale ka leswe. society 9 Badiri ba Spar ba thusa Molefe Babereki ba marekisetso a Spar kwa Tutume ba agetse Mme Mmapula Molefe wa kgotla ya Madikwe ntlwana ya boitiketso. Mothusa mogolwane wa marekisetso ao, Rre Kumbulani Sonny, a re ba ne ba lemoga fa go na le go nna ba amogela madi mo bareking fela, ba tswele kwa ntle go thusa setshaba, segolo jang ba ba dikobo dikhutshwane. Rre Sonny a re fa ba ntse ba sekaseka mo motseng, ba ne ba wela lelwapa la ga Mme Molefe le ba neng ba bona fa le na le letlhoko la dilo di le dintsi mme mo go tsone ba bona go tshwanela go mo agela ntlwana ya boitiketso. O ne a tswelela a tlhalosa fa kago ya ntlwana eo e ne e dirwa ke mmereki ka bone fa dithoto tsa kago ba di rekile ka madi a ba a kokoantseng a tswa mo dikgwatlheng tsa bone. A re badiri ba ne ba seegela fa thoko Labotlhano mongwe le mongwe wa beke gore ba apare diaparo tsa bone tsa mokgabo mme ba ntshe P10 kgotsa P20, madi a ka one ba a dirisetsang go aga. Rre Sonny a re kago yotlhe ya ntlwana eo e lopile P6 965 mme o ile a tlhalosa fa ba sa felela gone foo mme ba tlaa nna ba leka go isa malebo kwa bathong ka go leka go thusana le mmuso mo go thuseng ba ba tlhokileng lesego mo botshelong, gape le go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba a setshaba se se kutlwelo botlhoko se se tlhokomelang batho botlhe. Fa a amogela mpho eo, Mme Molefe o ne a leboga thata, a bolela fa e tsile go tokafatsa botshelo jwa gagwe. A re ba leboga badiri ba marekisetso ao a Spar go bo ba ile ba lemoga fa go na le mongwe yo o tlhokang thuso ya bone, a ba galaletsa a gatelela ka gore Modimo a ba okeletse gore ba kgone go dira mo go golwane mo go fetang moo. Kgosi Royal Nkomeni o ne a galaletsa badiri bao a re ke tiro e ntle e ba e dirileng, mme o ile a re fa e ka bo dikeletso e le dipitse, o ne a ka eletsa ba ka boela gape mo lelwapeng leo go dira sengwe gape ka go santse go le dilo di le mmalwa tse di tlhokegang mo teng. Gape o ne a rotloetsa badiri bao go tswelela ka mowa o le mongwe go direla setshaba, mme a re go sego letsogo le le abang go na le le amogelang. society 9 'Ditlhabololo ga di dirwe go oka batlhophi' Tona wa dipalamo le ditlhaeletsano, Rre Nonofo Molefhi, a re puso e dira ditlhabololo le go fa dithuso go tswa mo lenaneong la ditlhabololo nako le nako e seng ka nako ya ditlhopho di le gaufi jaaka bangwe ba akanya. Tona Molefhi o buile jalo mo phuthegong tsa kgotla kwa Mmakgori le Tshidilamolomo mo kgaolong ya Borolong bosheng. O boletse jalo fa a ne a rolela banni go dirwa ga tsela ya Phitshane Molopo/Mabule e e sa bolong go solofetswa gore e tla dirwa kgwedi ya Sedimonthole e ya fifing monongwaga. A re tsela eo ga e dirwe fela ka gore ditlhopho di gaufi, e bile a tlhalosa fa dikakanyo tsa mofuta o di latlha boidiidi, ka gore ditlhabololo di dirwa ke diphathi tsotlhe di kopane le badirelapuso, e seng phathi ya BDP e ipapaletsa ditlhopho. Banni bangwe ba ne ba ngongorega fa gantsi dithuso le ditlhabololo di diragala thata fa ditlhopho di le gaufi, e bile di dirwa thata ke phathi e busang. Ba re selo seo se a ba tlhobaetsa, mo jaanong ba belaelang fa ba ka tswa ba bewa bobi matlhong ka tsela e ba e solofeditsweng. Tona Molefhi o boletse fa ditlhabololo di dirwa kwa ntle ga dipharologano tsa diphathi tsa sepolotiki. Le fa go ntse jalo, banni ba itumeletse tsela e e tla dirwang ka madi a kana ka P2 billion, e nang le ditsela tse dingwe tsa Moshupa, Ngwaketse borwa le botlhaba. Ba boletse fa jaanong ba tla tshwana le ba metse e mengwe e nang le ditsela tsa sekonotere. Ba boletse gape fa dikgwebo di tla gola ka tsela e, e bile dipalamo tsa setshaba di tla etela metse ya bone ka tshosologo. BOKHUTLO politics 7 Ba gwetlhiwa go tswelela ba ikwadisa Banni ba kgaolo ya botlhophi ya Tati Bophirima ba gwetlhilwe go ikitaya ka thupana go ikwadisa ka dipalo tse di kwa godimo mo ikwadisetsong ditlhopho ya tlaleletso e e tla a dirwang kgwedi e e tlang. Mo puong ya gagwe fa a eme ba-na-le-seabe ka lefoko kwa Masunga ka Labotlhano, Moranang a tlhola malatsi a le lesome le bongwe, mokwaledi wa lekgotla la tsamaiso ditlhopho la IEC, Rre Gabriel Seeletso o supile gore le ntswa banni ba kgaolo eo ba setse ba ikwadiseditse ditlhopho tsa mono ngwaga ka dipalo tse di kwa godimo, seo gase a lekana ka go santse go nale bangwe ba ba saletseng kwa morago. Rre Seeletso o ne a supa fa go supagetse gore mo ikwadisong tse pedi tse di fetileng, batho bale 11 258 mo kgaolong ya Tati Bophirima ba ikwadiseditse ditlhopho tse di tlang tsa setshaba, go tshwantshanngwa le ba le 10 018 ba ba neng ba ikwadisetsa tsa bofelo tsa ngwaga wa 2009. Le fa gone go nale koketsego ya batho ba ba ikwadisitseng, o ikuetse mo go botlhe go seke ba ipona tsapa go gasa molaetsa wa botlhokwa jwa go ikwadisetsa ditlhopho.Rre Seeletso o gwetlhile borre go iketleeletsa kwa matlhophelong fa ikwadiso ya tlaleletso e bulelwa kgwedi ya Motsheganong e rogwa, a tlhalosa fa dipalo tse lekgotla la IEC le di tshotseng di supa fa bomme ba di goga kwa tlhogong fa go tshwantshanngwa ka bong dipalo tsa batho ba ba ikwadisitseng. Mo ntlheng e nngwe, o ne a lemotsha batsena-bokopano joo fa tlhagogo ya bontlhopheng ba ba sa ikamanyang le diphathi dipe tsa sepolotiki e le sekao sa fa politiki ya lefatshe leno e gola. A re, se ga se a tshwanela go tsenya batho tsebetsebe ka gope, a supa fa mo nakong eno go nale bontlhopheng ba go nna jalo ba ba phadisanelang manno kwa palamenteng ba feta masome a mabedi. O supile fa ba dikgaolwana tsa bokhanselara bone ba setse ba feta makgolo a mabedi. Fa ba akgela mo mafokong a gagwe, batsena-bokopano joo ba ne ba ama dintlha tse di farologaneng tse di amanang le ditlhopho. Rre Mbaakanyi Smart o supile tlhobaelo ya gore lekgotla la IEC le ka tswa le tlhaelelwa ke madi ka jaana ka fa le bapatsang ditlhopho tsa mono ngwaga ka teng, go lebega go le kwa tlase fa go tshwantshanngwa le ditlhopho tsa dingwaga tse di fetileng. O kopile gape gore lekgotla leo le nonotshe maiteko a lone a go ruta batho ka botlhokwa jwa go kanoka buka ya maina a batlhophi, a re, mo nakong eno ga go lebege fa Batswana ba lemoga mosola wa go dira jalo. Rre Wedu Bafana ene o ngongoregile ka go sa nneng teng ga matlhophelo kwa motsaneng wa Botalaote, selo se a kaileng fa se nyafaditse banni ba le bantsi go ikwadisetsa ditlhopho ka jaana ba ne ba tlamega go ya go dira jalo kwa motsaneng o o mabapi wa Toteng. Fa a latlhela tlhware logonyana, Kgosi Mukani Mudongo wa motse wa Nlapkhwane o tlhalositse fa go le botlhokwa gore dikgosi di ipone e le banale-seabe ba botlhokwa mo mererong ya tsamaiso ditlhopho. A re, e re ka jaana lentswe la kgosi le agelwa mosako, dikgosi di tshwanetse tsa tlhagafalela go anamisa molaetsa tebang le botlhokwa jwa go tlhopha. A re, ba dirise dikokoano tse di tshwanang le diphuthego tsa kgotla, dintsho, le malatsi a dikamogelo tsa bogodi go gasa molaetsa oo. Modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, yo gape eleng mokhanselara wa Mapoka Rre City Kealotswe, o ikuetse mo mapolotiking go seke ba tlhapaolana fa bale mo ipapatsong.A re, go dira jalo ga go thuse ope ka sepe ka go sa arabe matshwenyego a Batswana. BOKHUTLO politics 7 €˜Begang dikgang tsa leruo le le tshwenyang’ Moemedi wa ofisi ya melawana ya khansele kwa Kgatleng o rotloeditse Bakgatla go bega dikgang tsa leruo le le tshwenyang. Rre Sipho Sibunga, yo o neng a bua kwa phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Mabuse Pule, a re khansele ya Kgatleng e na le melao e e amang leruo mo motseng, mme go mo banning go bona gore melao e, e salwa morago. “Re buile gore leruo le le nnang mo motseng le tshwanetse go tlhokomelwa ka nako tsotlhe, mme re utlwa dipego tsa gore batho ba tsweletse ka go bolotsa leruo la bone ba bo ba le tlogela le itsamaela le le nosi,” Rre Sibunga a tlhalosa. A re morui yo o sa kgoneng go disa leruo la gagwe ka nako tsotlhe mme le nna mo motseng, a le fudusetse masimo kana morakeng. A re leruo le le nnang mo motseng le sa tlhokomelwe le tlaa tsisetsa beng ba lone dikotlhao. “Re ka otlhaya fela fa batho ba bega dikgang tse kwa ofising ya rona kana kwa mapodising,” Rre Sibunga a tlhalosa. A re lantlha modira molato o lopiwa P2 000, mme fa a tswelela a ntse a sa tlhokomele leruo o lopiwa P50 000. “Fa o palelwa ke go duela madi a, o kgona go atlholelwa kgolegelo,” Rre Sibunga a supa. Mopalamente Pule, yo gape e leng mothusa motsamaisa dipuisano tsa palamente, a re le fa Tautona a ba romile go tsamaya lefatshe lotlhe go leboga Batswana go ba tlhopha ka kagiso le thokgamo, go mo maruding a batsadi go bona gore ba ruta bana neelano e ba e supileng. A re o itumelela maiteko a puso a go fa bana ba dikole dijo tsa maphakela, a supa fa go itumedisa go utlwa banni ba Ramonaka le bone ba itumeletse tlhabololo e. “Gantsi ke kopana le batho ba kgala mme kana go kgala fela re sa lemoge dintlha tse di botlhokwa pele ga gona mosola,” Rre Pule a tlhalosa. O kgothaditse banni go nna mo dinakong ka go dirisa maranyane a wifi a re go dilo di le dintsi tse ba ka di akolang ka maranyane a jaaka dikgang tsa botsogo, kgwebo, go amogela le go romela madi le go itekodisa masika le ditsala. “Lefatshe le ya ko goreng jaanong re dirise maranyane a wifi mo dilong ka bontsi,” Rre Pule a supa. A re o dumalana le banni gore dikgang tsa botsogo di tshwanetse go potlakelwa a re o tshwenngwa ke gore batho ba tlhokafala ba letile go bonwa ke dingaka. A re metse e tshwanetse go nna le dingaka tse di nnang koo di sa ete jaaka e le tlwaelo. “Dipalo tsa batho di godile mme re tshwanetse go itsosa rele puso,” Rre Pule a tlhalosa. A re go tshwanetswe ga duwa ka tharabololo ya go bona gore metse ya Sikwane le Ramonaka e ka golela kae. “Seemo sa gompieno ke gore metse yotlhe ka bobedi e fa gare ga metse e mengwe, jaanong ga e sa tlhole e gola, mme batho bone ba oketsega,” Rre Pule a kaya. A re o tlaa sala kgang ya gore molelwane wa Sikwane o godisiwe, mme puso e tshwanetse go tsenya leitlho kgaolo ka e na le bokgoni jwa go jesa Batswana le mafatshe a mangwe. “Ditsela fa di dirwa go tsile go nna le mosuke mme ke tshwanelo ya gore re bone gore mololwane wa Sikwane le one wa gola go amogela dipalo le go godisa dikgwebo le itsholelo,” Rre Pule a supa. A re tsela ya Lentswe-la-theku-Modipane e tshwanetse go potlakelwa ka ke yone e ka fokotsang mosuke wa go ya Gaborone. society 9 Go thujwa ga mabentlele ga go robatse mapodisi Ramapodisi a Bobonong, Superintendent Paul Seoko, o tlhalositse fa go thujwa ga mabentlele le dibara go ile magoletsa kwa Bobonong. Rre Seoko o boletse mo potsolotsong gore mo dikgweding tse tharo mo ngwageng ono ba gatisitse ditiragalo tsa go thujwa ga mabentlele di le boferabobedi mme ba gatisa di le tlhano mo kgweding ya Moranang. Ramapodisi a re ba lemogile fa go na le segongwana sa makawana a a tsamayang bosigo a thuba marekisetso a dijo le dibara ba go lemosegileng fa ba tswa kwa Tobane. Rre Seoko a re ba ne ba phoronya mongwe wa segongwana sa makawana a ba sa ntse ba thuba lebentlele lengwe. Superintendent Seoko o boletse fa e rile ba phoronya mongwe wa segognwana se, ba bangwe ba ne ba tsena ka lenga la seloko. Rre Seoko a re ba tshegeditse lekawana le le neng la tshwarwa e bile ba sa ntse ba le mo letsholong la go tshwara ba ba tshabileng ba thusiwa ke yo ba mo tshwereng go latedisa ba ba falotseng. O kopile beng ba mabentlele mo Bobonong go thapa badisa dikago le dikompone tse di disang dikago. Mo go tse dingwe ramapodisi a re ba tlhotlhomisa dintsho di le pedi tse di begetsweng ofisi ya bone.A re mo tiragalong e nngwe, ba ne ba begelwa fa lekawana la dingwaga tse di lesome le borataro le le tlholegang kwa lefatsheng la Zimbabwe le fitlhetswe le akgega mo setlhareng kwa masimong a mothwane. Rre Seoko a re lekawana le, le ne le tsene mo lefatsheng leno e se ka fa molaong le etetse ba losika la gagwe ba ba nnang mo lefatsheng leno. A re setopo sa lekawana le, se kwa setsedifatsing e bile ba losika ba setse ba itsisitswe. O tlhalositse fa dithulaganyo tsa go isa setopo sa lekawana le kwa Zimbabwe di tsweletse sentle. ENDS crime_law_and_justice 1 Dithomo dingwe di ka bakela bana dihawa Batsadi ba gakolotswe go emisa go roma bana ba dikole majalwa le metsoko ka di ka felela di ba kgoreletsa mo dithutong tsa bone. Kgakololo e e builwe ke mookamela mapodisi a Werda kwa kgaolong ya Kgalagadi, Superitendant Mompoloki Ramatsia mo potsolosong morago ga go begelwa kgang e mo go yone banna ba le bararo ba amegang mo kgannyeng nngwe ya go fitlhelwa ka mophuthelwana wa setlhatshana sengwe. Supt Ramatsiaa re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng mosimane wa dingwaga tse di lesome le borataro ka mophuthelwana wa setlhatshana sengwe se go belaesegang e le motokwane. O supile fa mosimane yo o a fitlhwetswe ka mophuthelwana oo, mo nngweng ya dibase tse di rwalang setshaba bosheng morago ga gore mapodisi ba lomiwe tsebe ke mongwe. Rre Ramatsia o ne a kaya fa mosimane go belaesega fa a ne a romilwe setlhatshana seo ke borre bangwe ba babedi ba a supileng fa le bone ba sa ntse ba thusa mapodisi mo ditlhotlhomisong. Rre Ramatsia o ne a supa fa e tla are mo bogaufing boraro joo bo isiwe fa pele ga lekgotla a ga mmakaseterata mme fa ba ka bonwa molato, ba tla lebisiwa molato wa go fitlhelwa ka setlhatshana seo. A re mo nakong ya gompieno ba sa ntse ba rometse setlhatshana seo go ya go tlhatlhobiwa ke baitsanape le batlhatlhobi ba ditlhare go rurifatsa gore e ka tswa e le sa mofuta ofe. Supt Ramatsia o ne a tlhomamisa fa mmelaelwa yo o wa mosimanyana a tlholega kwa molepolole mme a ne a fetsa mophato wa boraro ngogola. Mookamela mapodisi a Werda o ne a tlhalosa fa dikgang tsa mofuta oo wa go fitlhelwa ka mephutwalana e go belaeseng e le ya motokwana di ba tshwentse thata m kgaolong ya gagwe a kaya fa e le ya bobedi mo ngwageng ono. Kwa bofelong Sup Ramatsia o ne a gakolola setshaba le bakgweetsi ba dibase tse di rwalang setshaba go emisa go tsamaisa mophuthwelwana e e ka belaetsang ka ba sa itse gore ke ya eng go hema diragalo tsa mofuta oo. crime_law_and_justice 1 Batsadi ba kopiwa go thusa Batsadi ba kopilwe go nna le seabe mo dithutong tsa bana gore ba kgone go ntsha maduo. Kopo eo, e dirilwe ke modulasetilo wa lekgotla la batsadi le barutabana wa sekole se sebotlana sa Lehututu, Rre Mabego Lesedi mo potsolososng le BOPA bosheng. Rre Lesedi o supile fa go nna le seabe ga batsadi mo thutong ya bana go dira gore bana ba tlhagafalele dithuto. O ne a tlhalosa fa sekole sa Lehututu se na le bokgoni jwa go dira sentle mo ditlhatlhobong, mme se, se ka kgonagala fela fa batsadi ba tshwaraganela tiro le barutabana. O ne a tlhalosa fa komiti ya batsadi le barutabana e dira ka thata go rotloetsa batsadi go tsaya karolo mo dithutong tsa bana le fa bangwe ba sa iponatse gotlhelele. A re batsadi ba ba senang seabe mo thutong ya bana ba rata go itlhaganelela go ngongorega fa bana ba bone ba sa dire sentle mo dithutong e bile ba supa barutabana ka menwana bare ga ba dire tiro. Rre Lesedi a re batsadi ba ba senang kgatlhego mo dithutong tsa bana ba tshwanetse go tseelwa dikgatho tse di maleba. O ne a tlhalosa gore go botlhokwa gore batsadi ba rute bana boitsholo jo bo amogelesegang mo setshabeng ba sale babotlana ka gore go ka thusa gore ba itse molemo le bosula, mme go tle go nne motlhofo gore ba ka hema dikgwetlho tse ba ka iphitlhelang ba le mo go tsone fa ba gola. Bokhutlo education 4 Thuto ya ngwana e simolola kwa lwapeng Mogolwane wa madirelo a dituelo tsa bagodi kwa Alexander Forbes Mme Poloko Masitara o kgothaditse batsadi go emela thuto ya bana ka dinao gonne seabe sa bone se le botlhokwa mo isagong ya bone. O buile jalo fa a kgothatsa baithuti ba sekole se segolwane sa Mositari kwa Machaneng mo kgaolong ya Legare bosheng jaaka ba ne ba ipelela maduo a sekole. Sekole seo se tsere maduo a boraro mo dikoleng tsa kgaolo. A re baithuti ba tshwanetse go rutwa go simologa kwa malwapeng go itse gore ba tshwanetse go ititaya sehuba go fitlhelela se ba batang go nna sone mo botshelong. Mme Masitara o ne a kgothatsa batsadi a re ke konokono mo isagong ya gwana ka gore motsadi ke ene wa ntlha go ruta ngwana tonto tshipidi fa a sena go tsholwa pele a ya go tsena sekolo A re ngwana yo o boitsholo jo bo makgwakgwa ga a ke a atlega mo thutong ka gore nako yotlhe o a bo a sena nako ya go ithuta a le mo go akanyeng tse di bosula a sa reetse le fa morutabana a ruta sa gagwe e le go mo tlhokela maitseo. Moeng wa tlotla a re mme seo ke boikarabelo jwa batsadi go leka go busetsa ngwana yoo mo taolong, mme o tshwanetse a dira kwa lwapeng. Mme Masitara o ne a leboga boeteledipele jwa sekole a re ba tshwere tiro ya bone ka botswapelo le ka manontlhotlho a ba kgothatsa go tswelela mo go direng jalo. O ne a ba rotloetsa go lwela go ntsha maduo a a ka tsogang a isa lefatshe leno kwa godimo. O tswelela a ba kgothatsa go dira tiro ya bone ba itshwaragantse le Modimo gore ba atlege, le gore maduo a sekole sa bone a tokafale. O boleletse baithuti gore go botlhokwa gore ba nne ba bala dipampiri tsa dikgang gore ba nne le kitso ya gore go diragala eng kwa mafatsheng a sele, selo se se ka ba kgontshang mo dikgaisanyong tsa mafatshefatshe tse Lefatshe la rona le leng mo go tsone gompieno. Mme Masitara o ne a kgothatsa ba ba fentseng dietsele gore ba seka ba iketla ba re ba fentse ka mosepele wa bone o santse o le moleele. A re fa ba ka repisa ba ka nna ba iphitlhela ba wetse kwa tlase kwa ba neng ba sa go solofela. A re go ithuta ke kgwetlho e e batlang moithuti a sa robale a tlhoafala. A re moithuti o tshwanetse go nna a ikgakolola gore fa a tla sekoleng o tlela eng le gone moithuti o tshwanetse go nna le lefufa mo thutong a seka a dumela go gaisiwa. A re go bala le go tlhaloganya go ka ba isa kwa botshelong jo bontle. Mothusa mogokgo Rre Ezekiel Kgwadiene o ne a re go na le tlhaelo ya boroko jwa barutabana le ya diofisi. O ne a ba a leboga batsadi go ema nokeng sekole sa bone. O ne gape a tlhalosa gore maduo a sekole sa bone a sa le a tokafala ka 2016 ka maemo a boraro mme ba ntse ba gatetse pele. education 4 Motlobo wa dibuka o tlaa tswela morafe mosola Go agiwa ga motlobo wa dibuka kwa Tlokweng go tlaa tswela Batlokwa mosola. Mogolwane go tswa kwa Botswana Retired Nurses Society, Mme Lesego Mabona, fa a bua kwa moletlong wa tshimolodiso ya kago ya motlobo oo bosheng, o boletse fa tshimologo ya tiro nngwe le nngwe e le makgwakgwa mme fa e tsweletse e siame bogolo jang fa go na le ba ba emeng tiro nokeng. O kopile morafe go ba thusa ka sengwe le sengwe se ba ka se kgonang gore tiro ya bone e atlege. Mme Mavis Kewakae o tlhalositse fa ba rotloediwa ka madi ke ba Stephen Lewis Foundation kwa Canada mme a tlhalosa fa madi ao a sa lekane go dira tiro eo e bo e fela. O supile fa ba ne ba nna le kgwetlho ya go bona lefatshe la go ka aga motlobo o mme ba khansele ba ba gakololwa gore ba direla teng mo lefelong le ba nang le lone ka go se motlhofo go bona lefatshe mo motseng. O tlhalositse gape fa ba khansele potlana ya Tlokweng ba tsere lebaka go amogela moalo wa kago ya motlobo o, se se neng sa dira gore barotloetsi ba bone ba tshosetse go busa madi a ba a ba fileng go a abele ba ba tla a dirisang. Mme Kewakae o supile gape fa ba ne ba eleditse go simolola tiro e ka Moranang mme ba felela ba sa kgone ka ntlha ya tiego e. Mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Tlokweng, Rre Steven Motlogelwa o supile fa a sa itse ka tiro e, a tlhalosa fa go le botlhokwa gore ba BORNUS ba ka bo ba ne ba mo itsesitse gore a tle a e tsibogele. O supile fa a tlaa ntsha modiri wa khansele go lebagana le tiro eo. BOKHUTLO education 4 Lerato ke makgonatsotlhe - Teemane Moruti Teemane wa Apostolic Faith Mission kwa Selebi Phikwe a re lerato le tshwanetse go nna teng ka dinako tsotlhe go sa kgathalesege gore baratani ba kopana le diemo dife. O ne a bua jalo kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke District Health Management Team (DHMT) kwa Selebi Phikwe go ipelela letsatsi la baratani. O ne a tlhalosa fa motho wa mme a sa lapisiwe ke go tewa go twe 'ke a go rata'. Moruti o ne a kgothatsa bakapelo ba ba iseng ba nyalane go dira jalo ka go nna fela mmogo go sa lekana, a re se se ka fokotsa go tsholwa ga bana kwa ntle ga lenyalo mme e re morago ba tlhoke tlhokomelo. Kgosi Mark Thipe wa Kagiso o ne a lebogela DHMT go bo ba bone go le botlhokwa go rotloetsa bakapelo go itlhatlhoba mmogo le gore e re ka letsatsi leo ba bo ba phuthile baratani go tla go rutana le go gakololana. Kgosi Thipe o kopile baruti go nna ba bua ka dikgang tsa marato go thusa baeteledipele ba morafe jaaka dikgosi le mapodisi go emisa mokgwa wa dipolaano tse di golelang pele. Kgosi o kopile morafe go begela ba sepodisi sepe fela se se ka tswang se belaetsa, a re go dira jalo go ka thusa go fokotsa borukutlhi. Bokhutlo religion_and_belief 8 Bataki ba gwetlhiwa go ipulela dikgwebo Mookamedi wa lephata la thuto mo Tsabong, Mme Maipelo Kesenye a re bataki ba tshwanetse ba dira ka natla go direla lefatshe leno. A re ba seka ba tswela pelo balekane ba bone ba ba iteilweng letsogo ka gore dineo mo botshelong ga di tshwane. Fa a bua mo kabong dietsele ya bataki mo Kgalagadi mo dikgaisanyong tsa malatsi a ga Tautona, Mme Kesenye o ne a re bataki ba tshwanetse ba bula dikgwebo go itshetsa. A re badiragatsi ba tsee tiro ya bone ka tlhoafalo gore ba tle ba tlhamele Batswana ba bangwe ditiro. O kaile fa go na le banana ba ba sa abelwang thuto mme ba abetswe tiro ya diatla, ka jalo a rotloetsa gore seo se nosediwe gore e re ka moso ba itshele metsi mo ganong. Mme Kesenye a re dikgaisanyo tseo tse di simologileng ka 2008 Botswana ka bophara, mo kgaolong ya Kgalagadi di godile. O tlhalosa jalo gore ba ba neng ba phadisanya mo go tsa botaki fela ba simolotse ba le 69 mme jaanong palo e godile e ile kwa go 114. O rotloeditse bodiredi jwa puso jo bo neng bo le foo gore ba reke ditshwantsho tsa mo gae. O ne a kgothatsa bataki go dirisa ditsompelo tsa mo gae go na le go reka didirisiwa kwa ntle ka gore Kgalagadi o humile ditsompelo tse bataki ba ka di dirisang e bile di sa bonwe gope gape. A re seo se ka tsenya lentswana mo dithotong tsa bone. Mogolwane wa lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao mo Tsabong, Rre Kago Barungwi yo e neng e le moatlhodi a re bomme ba dirile diaba mo go tsa botaki. A re bomme ba go supilweng fa ba le maoto a tshupa ka gale, ba tsisitse disupiwa ka bontsi mme e bile bontsi jwa bone ba dirile ka bokgabane fa ba tshwantshanngwa le borre ba ba tsayang sekgele ngwaga le ngwaga. A re baatlhodi ba kgaisanyo eo, e e neng e le mashetla, ba itumeletse boleng jwa botaki jo bo tsisitsweng ka bo tokafetse fa go tshwantshanngwa le ngogola. O tlhalosa gape gore se se tlhapisang pelo ke gore ditshwantsho dingwe di dirilwe ka matlakala ka e le go lwantsha kgotlelesego ya tikologo le go thuthafala loapi. Le fa go ntse jalo, Rre Barungwi o ntshitse matshwenyego a gore bataki ba ikwadisetsa dikgaisanyo mme morago bangwe ba bo ba felela ba palelwa ke go tsisa disupiwa. Fa a tswa la gagwe, mogokaganyi wa lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao mo Tsabong, Mme Betty Gaotilwe o tlhalositse fa puso e beile mo bataking le badiragatsi gore ba fetole itsholelo ya lefatshe leno, ka jalo e ikaeletse go dirira dikgaisanyo tse go godisa botaki, bodiragatsi le ngwao. A re bodiragatsi ke jone koloi ya ditlhabololo tsa sennela ruri. “Fa re ba bone kwa ba teng, re a ba rutuntsha gore ba tle ba tlhame dikompone ba tle ba thape ba bangwe,” a tlhalosa. Mme Gaotilwe a re Botswana o humile bodiragatsi mme Batswana ba tshwanetse ba ipele ka bataki le badiragatsi ba bone gore boleng jwa bone bo tswele mo pontsheng. Mo potsolotsong le O supile fa dikgaisanyo tse di mo thusitse ka a kgonne go dirisa madi a a a ikgapentseng mo dikgaisanyong tse di fetlileng go ikagela ntlo a bo a e tsenya motlakase. A re o ruta le bana ba gagwe go suga matlalo le go kgabisa ka one mme e bile le bone ba dira sentle. Botaki jo bo gapileng maikutlo a babogedi kwa Tsabong Cultural Center e ne e le jwa ga Rre Olorato Temogo yo o dirang botaki jo bo sa tlwaelesegang jwa Rre Temogo o takile ka dikgang tsa kgokgontsho ya bomme mo malwapeng a supa jalo ka go dirisa dipekere le pente e khibidu go supa fa mokgwa o o ama bomme ka tsela e e botlhoko mme se tshwanetse sa emisiwa ka ponyo ya leitlho. arts_culture_entertainment_and_media 0 Khansele e okeletsa konteraka nako Mogolwane wa lephata la ditsela mo khanseleng ya kgaolo potlana ya Mahalapye, Rre Boemo Onamile, a re khansele e dumelane go okeletsa konteraka e e thapilweng go baakanya ditsela tse di tsenang mo maemelong a dipalamo tsa setshaba malatsi go fitlhelela kgwedi eno ele masome a mararo. Rre Onamile o boleletse mo potsolotsong gore khansele e tsere tshwetso ya go okeletsa konteraka eo nako ya go wetsa tiro eo ka jaana go wediwa ga tiro eo go kgoreleditswe ke letlhoko la mebu e e neng e tshwanetse go dirisiwa mo ditseleng tseo. O tsweletse ka go tlhalosa fa khansele e tla dirisa P810 000 go baakanya ditsela tseo tsa sekgele sa dimithara di le 880. A re lefa ditsela tseo di ne di tshwanetse go wediwa ka Ngwanatsele a le lesome le bosupa jaanong khansele e tsere tshwetso ya go okeletsa konteraka eo ka malatsi a le masome a mane le boraro go wetsa tiro eo, e go bolelwang e tsositse kgotlhang fagare ga khansele le badirisi ba tsela gammogo le beng ba dikoloi tse di pegang setshaba. Mabapi le go agiwa ga maemelo a masha a dipalamo tsa setshaba mo Mahalapye, Rre Onamile o boletse gore lefa tiro eo e ne ele mo lenaneong la ditogamaano tsa ditlhabololo tsa bolesome, sebe sa phiri ke gore tiro e ne ya seegelwa kwa thoko ka ntlha ya kwelo-tlase ya itsholelo ya mafatshe e e neng ya kokonela lefatshe la Botswana. A re fa itsholelo ya lefatshe la Botswana e ka tokafala go dirwa ga maemelo a dipalamo tsa setshaba mo Mahalapye go ka dirwa ka jaana tiro eo jaanong e tsentswe mo lenaneong la ditogamaano tsa ditlhabololo tsa bolesome le motso gammogo le go dirwa ga dipompo tsa kgopo ya metsi a a leswe. E rile a tswa la gagwe, mogolwane wa konteraka ya Drosophilla Rre Eric Tobaka a tlhalosa fa khansele e ba okeleditse nako ka jaana ke yone e e neng e tlhaelelwa ke mebu e e tshwanetseng go dirisiwa mo ditseleng tseo. Rre Tobaka o rile le fa ba letleletswe go wetsa tiro eo ka Sedimonthole a fela, o na le pelaelo ya gore tiro eo ga e kake ya wediwa ka letsatsi le le beilweng ka jaana khansele ele gone e bonang mebu e e ka dirisiwang mo tseleng eo kwa Tewane e bile a bolela fa jaanong ditsela tseo ele gone di tla simololwang go dirwa. Mokwaledi wa lekgotla la dipalamo tsa setshaba mo Mahalapye, Mme Neo Letsibogo o kgaletse khansele le konteraka eo go palelwa ke go wetsa ditsela tseo mo nakong e e beilweng. Mme Letsibogo o boletse fa go tlhoka go wetsa tsela ka nako go kgoreletsa tiro ya bone ya go isa setshaba kwa se tshwanetseng ka jaana ditsela di sa tsamaege e bile go baya matshelo a batho mo diphatseng ka go ka nna ga baka dikotsi tsa go thulana ga dikoloi ntateng ya mosuke mo maemelong a dipalamo tsa setshaba. disaster_accident_and_emergency_incident 2 No funds to replace classroom The Assistant Minister of Local Government and Rural Development, Ms Botlogile Tshireletso says she is aware that a classroom at Metsibotlhoko Primary School was constructed in 2004 under Ipelegeng programme. However, Ms Tshireletso added that “it subsequently developed structural cracks which led to the structure being demolished in 2010, not 2005 as MP Ngaka Ngaka alleges.” Ms Tshireletso was responding to a question in Parliament from Letlhakeng West MP, Mr Ngaka. She explained that the replacement of classroom was proposed amongst the priorities for construction under the new Primary School Backlog Eradication programme in the coming financial year. However, due to limited funding, she said it could not be included, adding that it would be proposed for consideration during the financial year 2015/16. As a temporary solution to accommodate pupils who should had been taught in the demolished classroom, she said the school dining hall had been divided into two classes. Mr Ngaka had asked the Assistant Minister if she was aware that the classroom that was demolished at Metsibotlhoko primary school in 2005 had not been rebuilt. Letlhakeng West MP also wanted to know when it would be done. Ends education 4 Batsadi ga ba a tlhagola tsela Go begwa fa batsadi ba bana ba bone ba dirang lekwalo la bongwe kwa sekoleng se sebotlana sa Letlhakeng, ba sa nna le seabe mo go tlhagoleng tsela ya thuto, ya go ruta bana go kwala maina a bone le go kwala ditlhaka pele ba ka tla go simolola sekole. Se se boletswe ke morutabana mo lephateng la bana ba ba kwa tlase, Mme Ketlogetswe Motsatsi, mo phuthegong ya batsadi le barutabana e e neng e tshwaretswe kwa sekoleng seo mo bosheng. Mme Motsatsi o ne a tlhalosa fa ba lephata la thuto mo lefatsheng leno ba ne ba ntshitse mogopolo o montle, wa gore bana ba kwadisiwe pele ga ngwaga o simologa mme seo se ba fe sebaka sa go tlwaela sekole le gore batsadi ba ba rute go kwala maina a bone. A re o swabisitswe ke gore bana ka bontsi ga ba itse go kwala maina a bone mme se se supa fa batsadi ba sa itshwenya ka go ba ruta. O ne a tswelela a tlhalosa fa seo se ka baka kwelotlase ya maduo ka jaana go sa nne motlhofo mo go bangwe, go tshwara se ba se rutwang ka bonako. O gakolotse batsadi go itse barutabana ba bana ba bone, go tlhofofatsa tiro ya go lekola ka fa ngwana a dirang ka teng. Batsadi ba ne ba tlhalosa fa bontsi jwa bommabana ba e le banana mme e bile ba se na sepe le bana ba ka jaana ba ba tlogela le basadibogolo ba re ba ya go batla mebereko kwa mafelong a mangwe. Ba ne ba tswelela ka go tlhalosa fa bontsi jwa bana ba go nna jalo, ba sa tlhokomelesege.Batsadi ba ne ba ikopela gore bana ba nne ba fiwe tiro letsatsi le letsatsi go e dira kwa malwapeng, ba tlhalosa fa seo se ka ba fa sebaka sa go thusa bana ba bone le go itse se ba se rutwang kwa sekoleng. Mogokgo wa sekole seo Mme Sibongile Matshambane, o ne a kgothatsa batsadi go tsaya karolo mo tirong ya sekole ya bana ba bone. O ne a tlhalosa fa bopelotelele, tshwaragano le tirisano e le tsone di ka ba thusang go tokafatsa maduo a sekole sa bone. BOKHUTLO education 4 Kgwebo ya matlalo e na le dipoelo tse di botoka E re ka jaana Motswana a rile phokoje go tshela yo o dithetsenyana, Mme Tumisang Ngwanathebe, o ne a seka a ipona tsapa, mme a simolola kgwebo ya go gweba ka matlalo a diphologolo. E rile mo potsolosongbosheng, Mme Ngwanaamotho a tlhalosa fa matlalo e le teemane ya bobedi ya lefatshe leno ka jaana a na le dipoelo tse di botoka. A re gape matlalo a ka tsaya l lefatshe la Botswana a le isa mankalenkaleng, e bile a ka le baya mo mmepeng ka jaana a kgona go rekwa ko ntle ga Botswana. Mme Ngwanathebe yo e leng ene mosimolodise le moeteledipele wa kgwebo ya Photlhwane Leather Works a re o itebagantse thata le tshugo ya matlalo mme morago a dire dithoto ka go farologana. A re Batswana ba le bantsi le bone batswakwa, ba kgatlhegela tiro e ntle ntle e ya gagwe. O ne a tlhalosa fa a na le dithoto tse a di romelang kwa ntle ga lefatshe leno, a di rekisa teng mme e le dithoto tse di dirilweng ka manontlhotho le botsipa jo bo kwa godimo. A re o dirisa matlalo a diphologole di akaretsa tsa naga ga mmogo le tsa mo gae jaaka, tau, nkwe, tlhware, kgomo le podi go dira tsone dithotho. A re kgwebo ya gagwe e letleletswe ka fa molaong go dirisa matlalo a diphologolo tse. Mme Ngwanawamotho a re dilwana tse a di dirang di akaretsa bolomo poto, mabante, diphate ga mmogo le mekgabisa ya mantlo. O ne gape a tlhalosa fa a itshimolodiseditse kgwebo e ya gagwe ka madi a gagwe mme a na le dingwaga di le tlhano a ntse a le mo go yone ka jaana a simolotse ka ngwaga wa 2010. Mme Ngwanaamotho o kaile fa kgwebo e e batla bopelo telele ga mmogo le lorato. A re ke tiro e a e tlotlang fela thata ka jaana a e tsaya fela jaaka tiro ya ga goromente a theogela phakela mme a golole mo maitsiboeng. O tlhalositse fa a dirisa diatla go dira tiro e ya gagwe, a sa dirise meshine epe. E re le fa ntswa kgwebo ya gagwe e dira sentle, o na le letshwenyego la batho bangwe ba ba tshabelang kgakala go tsenya letsogo mo kgwebong e ya matlalo mme ba eletsa go e dira. A re, o ka rata thata go ka tsena mo go yone. economy_business_and_finance 3 IEC e rotloetsa go balelwa ga ditalama kwa matlhopelong Lekgotla la ditlhopo le le tsamaisang la IEC la re le rotloetsa go balwa ga ditalama kwa matlhopelong ka nako ya ditlhopo. Se se builwe ke motswharelela mokwaledi wa lekgotla le, Mme Lame Serumola, fa a rola pego fa pele ga komiti ya palamente ya madi a setshaba (PAC) ka Laboraro Mme Serumola o tlhalositse fa lekgotla la IEC le laolwa ke molao oo tsamaisang ditlhopo, ga mmogo le ya makgotla a mafatshe ka tsamaiso ya ditlhopo. A re makgotla a mafatshe a rotloetsa go balwa ga ditalama kwa matlhopelong. A re mo Botswana, go balelwa bala ditalama tsa bokhanselara kwa matlhopelong fela, mme tsa bopalamente di balelwa kwa lefelong le lengwe. Mme Serumola o tlhalositse gore ba-na-le seabe le bone ba gakolotse gore ditalama tsa mopalamente di ka balelwa kwa matlhopelong fa go fediwa go tlhopiwa. Mme Serumola o ne a tlhalosa gape gore ba amogela kgakololo ya tiriso ya go dirisa dibokose tse di bonalang tse go latlhelwang ditalama mo go tsone. O tsweletse ka go tlhalosa gore tsotlhe tse di ka nonotsha seriti sa lekgotla la IEC. Modulasetilo wa komiti e, e bile e le mopalamente wa Selebi Phikwe West, Rre Ditapelo Keorapetse, o ne a botsa gore lekgotla la IEC le tsamaya fa kae ka go diragatsa dikgakololo tsa ba-na-le seabe mabapi le go dirisa dibokose tse di bonalang tsa ditalama fa go tlhopiwa. Rre Dithapelo o ne a tlhalosa fa makgotla a mafatshe aa tsamaisang ditlhopo a Botswana eleng leloko la one a gakolotse ka se. A re seo se ka nonotsha le go neela IEC seriti le tshepo mo batlhoping. politics 7 Lenaneo la YDF le tswa tema Go bolelwa fa go tlhamiwa ga lenaneo la Youth Development Fund (YDF) le le itebagantseng le go thusa banana ka madi gore ba itshimololele dikgwebo, go tokafaditse matshelo a banana ba le bantsi ka go ba ntsha mo lehumeng la letlhoko la ditiro. Go tlhalositse jalo banana bangwe ba motse wa Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba ba akotseng lenaneo le mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng. Banana bao ba kaile fa lenaneo la YDF, e le lengwe la mananeo a puso e a tlhamileng go tlhabolola matshelo a bone le le supang kgatelopele le kgolo. Ba supile fa ka thuso ya lenaneo le ba itshimololetse dikgwebo tse ba rurifatsang fa di na le seabe se segolo mo go tswakanyeng itsholelo ya lefatshe leno le go tlhama diphatlha tsa mebereko. Mme Montlafatsi Gaoakanye wa kgotla ya Mabudi kwa motseng wa Takatokwane a re a re ene o inaakantse le lenaneo le ka ngwaga wa 2009,mme a thusiwa ka madi a a ka tshwarang P98 000 go ipulela kgwebo ya go roka e a supang fa e kgonne go tlhamela banana bangwe diphatlha tsa mmereko. A re o ne a kgona go reka mechine e e rokang, matsela le tse di dingwe mme a simolola kgwebo ya gagwe e e kwadisitsweng ka leina la Stich mate Tailors. A re e ne ya re kwa tshimologong kgwebo ya gagwe ya seka ya dira sentle ka ntlha ya go tlhoka mmaraka,mme a seka a itletlelela go fenngwa ke mowa wa boitlhogo. A re o ne a lemoga fa go roka mateisi le diaparo tsa manyalo go sena dipoelo tse di nametsang,mme ka jalo a simolola go roka paka ya dikole. O supile fa kgwebo ya gagwe e ne ya itshetlela ya bo ya dira sentle fela thata ka a ne a simololwa go abelwa di tender tsa go rokela dikole paka ke khansele ya ba ba ba thusiwang ke puso,mme a supa fa mo nakong eno kgwebo e tsweletse ka go supa kgolo. A re lenaneo le, le dirile pharologanyo e ntsi mo botshelong jwa gagwe,ebile ke ene a tshetsang ba lelwapa la gagwe, mme a rotloetsa balekane ba gagwe go tlhabolola matshelo a bone boemong jwa go ganelela mo lenaneong la Ipelegeng le le diretsweng go thusa batho ba ba seng mo meberekong go bona se ba ka itshetsang ka sone. Monana mongwe, Rre Kagiso Kasefitlhela yo a thusitsweng ka lenaneo le ebile a butse kgwebo ya thuo ya dikgomo ya leina la Ikemela Farm o ne a leboga lenaneo le fela thata ka le mo ntshitse mo lehumeng,a kaya fa a na le moraka wa dikgomo tse di masome mabedi le bone. A re e sale a fiwa dikgomo tse,o tshwere ka thata go di tlhokomela ka e le jone botshelo jwa gagwe,mme a supa fa di tsweletse ka go ata ntswa go na le kgwetlho ya malwetsi a leruo. O ne a kopa puso go tswelela e thusa banana ka lenaneo la YDF gore ba itshimololele dikgwebo ka kgang ya letlhoko la ditiro e tsentse tlhako kgamelong economy_business_and_finance 3 Begelang mapodisi ditiro tse di fatlhang Ramapodise wa Bobonong Rre Paul Seoko a re dipalo tsa bana ba dikole ba ba imang di golela pele mo kgaolong ya gagwe. Mo potsolotsong o boletse fa go supega fa bontsi jwa bana ba ba imang ba tsena mo maratong le borre ba ba tona mme dikgang tsa go nna jalo e se gantsi di begelwa mapodise ke batsadi kgotsa barutabana. Rre Seoko a re bontsi jwa ba ba dirisiwang mo ditirong tse, ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro mme a supa fa se e le molato o motho a ka o elang kgolegelong fa a bonwe molato ke lekgotla la ditsheko. A re go a tshwenya go bo batsadi le barutabana ba sa begele mapodise ditiragalo tsa go nna jalo mme ntswa e le bone batlhokomedi ba bana, ebile e le bo ne ba ntlha go itse le go lemoga fa ngwana wa dingwaga tse di kwa tlase a tlogetse sekole ka ntlha ya go ima kgotsa a kgokgontshwa ka tlhakanelo dikobo. Rre Seoko a re batsadi ba fitlha dikgang tsa mothale o, ebile go lebega fa bangwe ba bana ba ba amogela pipa molomo mo go borre ba ba imisitseng bana gore melato e e seka ya begelwa mapodise. O tlhalositse fa mo mabakeng mangwe bana ba go belaesega gore ba imisiwa ke ba masika a bone mme e nne phitlhela kgomo ya serotswana. Erile fa a itebaganya le barutabana le bagokgo ba dikole, Rre Seoko a re go maswabi go bona fa batho ba ba tsewang e le batlhokomedi e bile ba filwe boikarabelo ja bana mo dithutong le bone ba palelwa ke go bega dikgang tsa mothale o, mme se se kuketse go ima ga banana mo dikoleng. A re e le ba sepodise ba setse ba amogela dipego tseo go tswa go ofisi ya boipelego le ba a ba galaleditseng gore ba bega se batsadi le barutabana ba paletsweng ke go se dira. A re e le ba sepodise ba tlaa ikgolaganya le ba dikole le dikokelwana gore ba ba begele ditiragalo tsa boimana ja bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le botlhano ka ke bone ba kwadisang boimana mo makaleng a bone. Rre Seoko a re ka ngwaga wa 2014 ba ne ba tshwara dithuto-seka dipuisanyo go ralala dikgotla tsotlhe tsa Bobonong ba tsibosa setshaba ka dikgang tsa go ima ga bana ba dikole, go tsena mo maratong le bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga mmogo le go thubediwa ga bomme. A supa fa morago ga dithuto tseo ba ile ba lemoga tokafalo le kgolo mo go begeng ditirgalo tsa mothale o. O supile fa ngwaga ono borre ba le babedi ba kgotla ya Dandane ba ne ba lebesiwa molato wa go dirisa bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse di lesome le borataro mo go tsa tlhakanelo dikobo. Rre Seoko o tlhalositse fa mo nakong ya gompieno ba begetswe dikgang tsa mothale o, di le supa tse di tlaa sekwang ke lekgotla la ga mmakaseterata mo bogaufing. O kgothaditse batsadi le barutabana ga mmogo le setshaba ka kakaretso go tsaya boikarabelo le go gololesega go bega dikgang tsa mothale o mo sepodiseng gore dilalome tse di senyetsang bana isago di tseelwe dikgato tse di maleba. Rre Seoko a re e le ba sepodise ba tsile go bereka bosigo le motshegare go nyeletsa seemo se. health 6 Batshu o lekola badiri kwa Selebi Phikwe E rile bosheng Tona wa Pereko le Selegae, Rre Edwin Batshu, a lekola badiri ba lephata la tsa pereko le selegae kwa Selebi Phikwe. Rre Batshu, yo e,bileng e le mopalamente wa Nkange, a re o itumelela se lephata le se dirang ka go tlamela setshaba ka e le maikaelelo a bone gore setshaba se bone thuso ka botho le lerato. Rre Batshu o ne a tswelela are baeteledi pele mo lephateng ba tshwanetse go kgothatsa ba ba baeteletseng gore le bone ba dire tiro ya bone ka botswa pelo le bo kgabane go sena kgatelelo ya maemo ka babereki ba puso seabe sa bone e le go fa setshaba thuso ya maemo a ntlha. Rre Batshuo ne a gakolola gore botlhe ba ba sa ntsheng maduo mo ditirong tsa bone ba fetole mokgwa oo ka go nne seo ga se maitlamo a lephata. Tona Batshu o ne a wetsa ka gore, o tshwenngwa thata ke dikgang tsa tshenyetso setshaba mo lephateng ka e ba ama thata. A re mo nakong e ba bereki ba le boferabobedi ba setse ba latlhegetswe ke ditiro ka go amogela pipa molomo ya go neela ditirelo go ba baseng maleba. Baemedi ba makalana a farologaneng aa ka fa tlase ga lephata la tsa pereko le selegae ba ne ba ntsha matshwenyego a bone a a ba paledisang go ntsha maduo kanako le go fa setshaba thuso e e maleba selelo bogolo e le go sa tlhatloswa maemo le dituelo tse di kwa tlase. Rre Donald Abueng yo eleng mogolwane wa lekalana la tsa mesepele a re, ofisi ya Selebi Phikwe e okametse ofisi tse tlharo mo kgaolong ya bobirwa mme seo se a ba ketefalela go tlamela setshaba ka seemo sa koloi ya bone se sa jese diwelang. RreAbueng o ne a kopa gore kago e ba berekelang mo go yone e tokafadiwe gore e le babereki ba ntshe maduo aa bonalang le go diragatsa maitlamo a lephata. Rre Mothusi Komane yo e leng mogolwane go tswa ko lekalaneng la khiro a re, ba lebanwe ke kgwetlho ya boroko le tsa dikatso tsa ba bereki go sa dirweng ka nako. Mme a re ba itumelela gore ba diragaditse lengwe la matshego a tebelopele ya 2016 ya tshaba e kutlwelo botlhoko ka ngwaga ofetileng ba ne baagela motlhoki ntlo ko motseng wa Robelela. society 9 Kgosi o akgola komiti Kgosana ya Matlhatlhaganyane kwa Tsabong e bile e le leloko la komiti ya kgaolo potlana ya Tsabong ya tshireletso bana, o akgoletse maloko a komiti eo go bo a itlamile go emela pabalesego le kgololesego ya bana ba Tsabong le metse e e mabapi. Rre Kaartze a re ga se mongwe le mongwe fela yo o ka ikaelelang go netefatsa gore bana ba a tlhokomelwa e bile ba babalesegile bogolo jang fa bana bao e se ba gago ka tsalo. A re e le ruri batho ba mofuta o ba a tlhokwa. Fa a bua kwa thuto-puisanong e rulagantswe ke komiti eo bosheng, Rre Kaartze o boletse fa komiti e, e tlhophilwe ngogola ka Moranang mme e setse e itshupa fa e ikiteile sehuba, ka e dira tiro ya yone ka bonatla le manontlhotlho. O tsweletse ka go galaletsa komiti eo, a re maloko a yone a na le mowa wa tirisano mmogo, ka ba bereka mmogo sentle go se na dikgotlhang dipe. Rre Kaartze a re komiti eo, ke sekao sa nnete mo setshabeng ka kakaretso ka e rotloetsa mowa wa lerato le bojammogo. O tsweletse ka go ba lebogela thuto ya tlhokomelo le pabalesego ya bana e ba e isang kwa setshabeng. Rre Kaartze o rotloeditse maloko a komiti eo gore a seka a nyemisiwa moko ke dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo tirong e ya bone, jaaka letlhoko la madi le tlhaelo ya didirisiwa. O ba gwetlhile go tia moko ka dinako tsotlhe gore ba tle ba kgone go fitlhelela maikaelelo a bone. Bokhutlo society 9 World Group e file Lentswelemoriti P25 000 Mopalamente wa Bobonong o abetse sekole se sebotlana sa Lentswelemoriti P25 000 go tswa kwa khamphaneng ya World Group of Companies. Rre Shaw Kgathi o supile fa madi ao, a filwe sekole seo ka go bo se dira sentle mo dithutong ka se kgonne go fenya ka maduo a 100 per cent mo dingwageng tse nne ka go tlhomagana. Rre Kgathi a re ngwaga o o fitileng fa ba neela baithuti ba Lentswelemoriti paka ya sekole, modulasetilo wa khamphani eo, Rre Rafik Sadar o ne a solofetsa go ba abela P25 000 fa ba ka fenya lekwalo la bosupa ka 100 per cent, mme seo ba se kgona. O supile fa tiro ya gagwe e le mopalamente e le go ngoka bagwebi go thusa kgaolo ya Bobirwa. A re World Group of Companies e abetse baithuti ba dikole di le lesome le borobabongwe paka ya sekole, dibolo, dikhomputara le didirisiwa tsa tsone gore maduo a tokafale. Rre Kgathi yo gape e leng tona wa Itshireletso, Molao le Thokgamo, a re khamphani eo, e itlamile go aga kokelwana kwa Molalatau e a supileng mealo ya yone e setse e netefaditswe le go fa sekole sa Mafetsakgang kwa Bobonong P50 000 go aga ntlo ya dikhomputara. Fa godimo ga moo, a re World Group of Companies e ne ya ntsha P97 000 go dirisiwa mo kabong ya dimpho ya lephata la thuto. Rre Kgathi o lebogetse sekole sa Lentswelemoriti go bo se tsweletse ka go dira sentle. A re seo se dirwa ke gore barutabana, batsadi, baithuti le boeteledipele jwa motse oo ba ikemeseditse go dira sentle mo dithutong gore matshelo a bana a tlhabologe. A re motse oo kwa ntle ga thuto o itsege ka tse dintle mme a ba gakolola go dira motlobo wa ditso gore tshaba e e tlang e seka ya lebala tse dintle tse di ntseng di diragala. Fa a bua ka seemo sa tsela e e gokaganyang motse oo le Motlhabaneng, a re ga e a tsenngwa mo lenaneong la ditogamaano. A re dipuisanyo di tsweletse gore e dirwe mme e tlaa tlhokomelwa fa go santse go letilwe seo. Mogolwane wa thuto kwa Bobirwa, Rre Moses Tsetlhana o ne a leboga Rre Kgathi go tsenya letsogo mo go tlhabololeleng thuto mo kgaolong ya Bobirwa. Mogokgo wa sekole, Mme Florah Sebudubudu ene o supile fa Lentswelemoriti a tswa kgakala a dira sentle e bile ba gapa dietsele mo dikarolong tse di farologaneng jaaka tsa dithuto le metshameko fa modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana. Mme Mmamotse Dintwe a supile fa maduo a mantle a dirwa ke gore batsadi ba tshwaraganetse tiro le barutabana. Mme Dintwe a re ba etela sekole go bona tiro ya bana mme a supa fa ba ikaelela go ya kwa sekoleng se segolwane sa Molalatau go bona seemo. A re ke gone kwa bothata bo leng teng ka bana ba ya teng ba pasitse mme fa ba tsena teng maduo a wela kwa tlase. Bokhutlo education 4 Balete ba atla Buti Ba ga Malete ba dumalanye ka bongwefela jwa pelo gore go tlhongwe Rre Buti Mokgosi, go nna moemela kgosi morago ga gore phatlha eo e bulege fa go sena go tlhatlosiwa Kgosi Motlhanka Mokgosi go nna moemela kgosi yo mogolwane. Se, se senogile kwa phuthegong e e neng e biditswe ke kgosi kgolo ya Balete Kgosi Mosadi, ka mafelo a beke go lekodisa morafe. Kgosi Mosadi o boletse fa Kgosi Ikaneng Mokgosi a tlogetse phatlha ya gagwe ya go nna moemela kgosi yo mogolwane ka ntlha ya bogodi, mme phatlha ya gagwe ya kajwa ke Kgosi Motlhanka Mokgosi, ka jalo ba ntlo ya bogosi ba dumalana gore Rre Buti Mokgosi e nne ene a tsenang mo phatlheng ya ga kgosi Motlhanka. O boletse fa ba lekodisitse tona wa dikgaolo le tlhabololo magae ka phatlha e, mme a dumela gore ba ka e thiba, mme jaanong ba bone go tshwanela go lekodisa morafe ka tshwetso ya bone e le ba ntlo ya bogosi, gore fa go na le yoo kgatlhanong le leina le a itshupe, pele ga ba ka le isa kwa go tona. Morafe o ne wa supa fa ba itumelela ka fa ba ntlo ya bogosi ba ithulaganyang ka teng, ba supa fa go ba tlotlomatsa go bona ba ga Malete ba sa lwele bogosi jaaka ba bona go diragala mo dikgaolong tse dingwe, ka ba itlhaloganya sentle. Mo go tse dingwe, kgosi Mosadi o ne ba lekodisa fa ba tlhophile komiti ya Malete Development Trust e ntsha, a supa fa e e neng e tswa e ne e tshwaraganye le namane e tona ya go seka dikgang tsa lefatshe. O supile fa ba santse ba dumela gore polase ya Rankoromane le Kgale ke tsa Balete, le fa puso e supa fa e se tsa bone. A re ba semeletse go tsosolosa Mogobane Irrigation Scheme, ebile ke keletso ya puso go bona e emeletse ka dinao, ka e ba batletse bangwe go ba thusa go dira tiro e, mme a kopa Balete go latlhelela madi mo letloleng gore ditiro tsa morafe di tswelele. Kgosi Mosadi o supile fa go segilwe ditsha di le makgolo a mararo, masome a robabobedi le botlhano, mme a kopa bao ba ba batla atlegang go di abelwa go se di rekise. Erile a ntsha la gagwe, mopalamente wa Borwa Botlhaba Borwa, Rre Odirile Motlhale, o ne a rotloetsa batho go lekola makoa kgapetsakgapetsa, jaaka madi a matona ka jaana go le letsatsi thata le go nna ba rwele mo tlhogong. O ne a supa matshwenyego ka dikgang tsa dipodi tse go gotweng di ne di bonywe ka fa lefatsheng la Afrika Borwa, mme beng ba polase ba felela ba di rekisa, ka go tlhalosiwa fa mapodisi a ne a seka a kgona go ya go di tsaya ka ntlha ya go tlhoka dikoloi. O kopile morafe go tsibogela dikgang tse go di isa kwa go ba ba kwa godimo fa go se nko e tswang lemina, gore ba seka ba iphitlhela e le bahumanegi. BOKHUTLO society 9 Baji-bareki ba tsibosiwa ka tsa theko Mothusa kgosi wa Kgotla ya Kagiso kwa Selebi Phikwe, Kgosi Francinah Legwaila o kopile morafe o o neng o tsene pitso e e neng e rulagantswe ke lephata la baji-bareki go tlhomamisa gore ditshwanelo tsa bone ga di gatakwe ka dinao. Mothusa Kgosi Legwaila o buile jaana fa a amogela batsena phuthego ya go ipelela letsatsi la ditshwanelo tsa moji-moreki kwa Selebi Phikwe. Kgosi Legwaila o ba gwetlhile go netefatsa gore dithoto tse ba di rekang ke tsa boleng jo bo siameng. Mme Conie Nkobela, mogolwane mo lephateng la papadi le madirelo kwa Selebi Phikwe o tlhalositse fa setlhogo sa mono ngwaga se tlhalosa gore go bopa lefatshe la maranyane a baji-bareki ba ka a tshephang, se raya gore setshaba se tshwanetse go tlhaloganya mosola le bodiphatsa jwa tiriso ya maranyane. Mme Nkobela o tlhalositse fa maranyane a kgona go dirisetswa ditiro tsa botlhokwa e bile di ka solegela ba le bantsi molemo fa bangwe bone ba a dirisa mo borukutlhing mme a tsibosa setshaba go ela tlhoko gore ba a dirisa ka tsela e e ka sekeng ya ba tsenya mo diphatseng. Mme Nkobela o tlhalosa fa moji moreki a tshwanetse go ela tlhoko dintlha tsa botlhoka tse di ka mo tsibosang kana tsa mo hemela mo go tsiediweng ke dilalome tse di dirisang maranyane a segompieno. O ne gape a ba balela molaetsa wa tona wa papadi kgwebo le madirelo, Rre Vincent Seretse o o neng o ba kgotlhatsag go ithuta ka tsa maranyane ka go le motlhofo gore motho a kgone go reka dithoto tse a di batlang nako nngwe le nngwe go sa kgathalesege gore o kae. Molaetsa wa ga Tona Seretse o ne wa tlhalosa fa 85.3 per cent ya Batswana ba ba dingwaga tse di lesome go ya kwa godimo ba dirisa megala ya letheka, a re se se supa gore Botswana o tshwaragane le mafatshe a mangwe mo go rotloetseng tiriso ya maranyane a ditlhaeletsanyo. Moemedi wa lekgotleng le le laolang teseletso ya tsa ditlhaeletsano mo Botswana (BOCRA) Mme Eva Kentshitswe o tlhalositse fa lekgotla leo le dira ka thata go bona gore Batswana ga ba jewe ntsoma fa ba reka tsa maranyane le gore a maranyane a a tshwanang le megala ya letheka a siametse botsogo jwa motho le go netefatsa gore ga a kgotlhele tikologo. Mme kentshitswe o kgothaditse morafe go tlhomamisa gore fa ba tsena mo marekisetsong ba netefatsa gore se ba se rekang se na le sesupo sa gore se letlelesegile gore se ka rekisiwa, a ba rotloetsa go fokotsa go nna ba siela kwa didirisiweng tsa ditlhwatlhwa tse di kwa tlase ka go le gantsi e le tsa boleng jo bo kwa tlase. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Kgosi o lela ka lenyora Kgosi wa Mopipi mo kgaolong potlana ya Boteti, Rre Kesogofetse Patelelo a re ga ba robadiwe ke lenyora. Kgosi Patelelo o buile jalo mo potsolotsong le Bopa, a tlhalosa gore ba na le dibeke di le tharo ba se na metsi mo motseng. A re seemo se, se baka gore banni ba ipitlhele ba anwa metsi a a a sa sireletsegang mo megobeng le mo dikhuting, selo se a reng o tshoga gore se tlaa ba tsisetsa malwetse. Rre Patelelo a re seemo se se ama bobe dikole ka jaana fa gongwe bana ba a busiwa go sena metsi a a ba apeelang . Kgosi Patelelo o supileng ba koporase ya metsi ka monwana a re le fa go ntse jaana ga ba buisane le bone go ba lekodisa ka seemo. A re fa e sale ba re diphaephe tsa sediba di thubegile fa kgang e e simologa ga go na maiteko ape a ba a dirileng. Mogokgo wa sekole se segolwane sa Mopipi, Rre Bakani Itani le ene o tlhalositse fa letlhoko le la metsi le ba amile thata ka jaana sekole se na le bana ba ba nnang mo sekolong . Rre Itani a re le fa ba koporase ya metsi ba ba siela metse ka koloi, ga go a lekana ka gore a dirisiwa ke bana ba sekole le babereki mo matlong a bone. A re matlwana a boitiketso ke a a dirisang metsi, ka jalo ga ba kgone go a dirisa ka lebaka la tlhaelo ya metsi. O ne gape a re temo ya bana, e ba tshwanetseng go tlhatlhojwa mo go yone mo kgwedingeno le yone e amegile . Mongwe wa banni ba Mopipi, Rre Justin Otimile o tlhalositse fa ba tshwenngwa ke seemo sa metsi a a nnang a se yo kgapetsakgapetsa mo go bakang gore ba nne le kakanyo ya gore ba koporase ya metsi ga ba kgathale ka matshelo a bone. Mogolwane wa koporase ya metsi, Rre Simon Simon o tlhalositse fa seemo se sa metsi se bakilwe ke gore dipompo tsa metsi di wele morago ga merwalela ya dipula tsa Dineo mme a solofetsa fa seemo se tlaa boela mannong mo nakong e e sa fedising pelo ka jaana ba tsweletse ka go baakanya. Rre Simon a re le fa go ntse jalo, ba ntse ba leka go thusa dikole le kokelwano ka go ba siela metsi ka koloi. BOKHUTLO society 9 Kotsi e tseetse ngwana botshelo Koloi e rwalang balwetse ya Ambulance e thulane le ya modiro wa Toyota Allion ka Mosupologo phakela fa Dikabeya mo tseleng ya A1 gaufi le Palapye mme ga tlhokafala ngwana wa dingwaga tse pedi le sephatlo. Mookamela mapodisi a Palapye, Superintendent Franken Mohutsiwa, a re le fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse, ba belaela fa mokgweetsi wa Toyota Allion, e e neng e tswa borwa, a ile a latlhegelwa ke taolo ya koloi mme ya thulana le e pegang balwetse e neng e tswa bokone. A re bakgweetsi ba dikoloi tseo ka bobedi ba bone dikgobalo tse di masisi mo maotong fa ba ba neng ba na le bone ba bone dikgobalo tse di potlana. Koloi tseo ka bobedi di ne di pegile batho ba le bararo fa kotsi e diragala. Superintendent Mohutsiwa o rotloetsa bakgweetsi go nna kelotlhoko fa ba kgweetsa le go obamela matshwao a tsela nako tsotlhe ga mmogo le go sekaseka dikoloi tsa bone go tlhomamisa fa di itekanetse go tsaya mesepele. A re go dira jalo go ka thusa go somarela matshelo a batho. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Kelebile o rotloetsa banana go itshetsa ka talante Kereke ya Seven Day Adventist (SDA) e abetse sekole se segolwane sa Tapologo kwa Werda kwa kgaolong ya Kgalagadi dikhomputara. Moeteledipele wa kereke e kwa Kgalagadi Borwa, Dr Boitirelo Kabo, a re maikaelelo a bone ga se go rera lefoko la modimo fela, mme ke go aga setshaba . O boletse fa e se la ntlha ba aba kwa Werda ka ba kile ba abela banni diromamowa e le tsela nngwe ya go supa lerato le kutlwelobotlhoko mo setshabeng se ba dirang mo go sone ka ebile ba na le phuthego kekeke kwa Werda. A re morago ga go amogela kopo go tswa kwa sekoleng ba ne ba tsenya ditlhogo, mme ba dumalana go aba dikhomputara di le tlhano tse di lopileng P21 000 go tswa mo diphuthegong tse di farologanyeng go supa lerato le go kgathala ka thuto. O kaile fa dikhomputara di tlaa thusa baithuti mo go tsa maranyane le go nna le kitso ee tseneletseng ka se se diragalang mo lefatsheng a kaya fa di tlaa ba fa gape lesedi ka tsotlhe tse ba di tlhokang mabapi le dithuto tsa bone ka ebile di tla a bo dirisiwa kwa motlobong wa dibuka. A re kitso ya go bala le go kwala e a tlhokafala mo nakong tsa gompieno go botlhokwa gore ba tlhwaafalele go ithuta maranyane ka dibalamakgolo ka e le yone konokono mo go batlisiseng kitso ee tseneletseng ka go ka thusa thata mo go tlhabololeng dithuto tsa bone. Dr Kabo o ne a gakolola baithuti go dirisa dibalamakgolo ka fa go tshwanetseng ka seo se ka ba solegela molemo mo go tokofatseng maduo a dithuto. Fa a amogela baeng, mogokgo wa sekole seo Mme Pinkie Kabelo o ne a tlhalosa fa sekolo se na le baithuti ba le makgolo a supa le bobedi, palo e a supileng fa e le kwa godimo ka go na le tlhaelo ya matlo a borutelo. Mogokgo o ne a itumelela dimpho tseo a bolela fa maduo a sekole a ntse a sa ba jese diwelang, a kaya fa mo maduong a ditlhatlhobo tsa mophato wa boraro se dirile botoka thata ngogola ka 19.7 per cent ka matshwao a ABC fa go tshwatshwanngwa le 9.2 per cent ka ngwaga wa 2017. Mme Kabelo a re sekole se labanwe ke dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya matlo a borutelo, barutabana, dibuka le tse dingwe mme le fa go ntse jalo ba ikaelela go tokofatsa maduo. arts_culture_entertainment_and_media 0 Banni ba lela ka metsi le ditsela Banni ba kgotlana ya Tawana Extension kwa Letlhakane ba itedile mo mopalamenteng wa bone, Rre Sethomo Lelatisitswe ka letlhoka la metsi le ditsela mo kgaolong ya bone. Banni ba ngongoregile ka koporase ya Water Utilities (WUC) ba re e boitseme mo go tsibogeleng go thusa batho ka dipaakanyo tsa diphaephe tse di thubegileng le dithuso dipe fela tse ba di tlhokang. Ba ne ba supa mo phuthegong ya kgotla ka Mosupologo fa tlhaelo ya metsi e baka gore ba tsoge makuku go ya go gelela metsi mme se se baya matshelo a bone mo kotsing ya dirukutlhi. Ba re WUC e tlhalositse fa e tsaya didirisiwa kwa Gaborone mme se se die ditirelo mo diphaephe di felelang di tsholola metsi a bo a felele a tswaletswe lebaka. Banni gape ba ne ba tlhalosa fa dituelo tse WUC e di lopang mo ditirelong tsotlhe di le kwa godimo mme ba kopa mopalamente go kopa palamente gore di sekasekiwe. Ba kopile gape gore ditsela di baakanngwe ka seo se ka tokafatsa mattshelo a bone mme se dire gore ditlhabololo di tokafale. E rile a araba, Rre Lelatisitswe a tlhalosa fa puso e ikemiseditse go ba thusa mme ba tshwanetse ba itse fa dilo di dirwa ka lenaneo. O tlhalositse fa e tlaa re mo nakong e khutshwane kgaolo e tsenyediwe metsi, dipone tsa mo mekgwatheng mme ditsela le tsone di baakanngwe. A re WUC e kopilwe go ba tsenyetsa pompo ya morafe mme ba santse ba sena tsa mo malwapeng, jalo aa kopa gore e tlhokomelwe. Rre Lelatisitswe o tlhalositse fa diphaephe tse di dirisiwang ke WUC di le dikgologolo mme e bile ba setse ba simolotse go di shafatsa mo motseng ka bophara. O tlhaloseditse banni fa WUC e tsentswe ke puso go lebilwe gore e tlhotlha metsi botoka go ya kwa diemong tse di letlelelwang ke mafatshehatshe. Rre Lelatsitswe o kopile banni go thusa puso. A re go dira jalo go ka dira tiro ya go tlhabolola motse motlhofo. O rotloeditse banni go tsena phuthego e mo go yone Tautona a tlaa bong a tsile go laela morafe wa Letlhakane kgwedi eno e le masome mabedi le borobabobedi. O ne a eleletsa banni mlatsi a botsalo jwa Morena a a babaselegileng. A re botlhe ba tshwanetse ba tshwaraganela go lwantsha borukutlhi, go fokotsa dino gammogo le go kgweetsa ka kelotlhoko.BOKHUTLO politics 7 Kotsi ya koloi e gapa botshelo Mapodisi a Letlhakane a tlhotlhomisa kotsi e e gapileng botshelo jwa mosadi wa dingwaga tse di masome a mane le bobedi morago gago thulwa ke koloi mo lwapeng ka Matlhatso, Moranang a tlhola malatsi a robabobedi. Mogolwane wa mapodisi a pharakano mo kgaolong potlana ya Boteti, Superintendent Modiredi Khumo o tlhalositse mo potsolotsong gore kotsi e diragetse fa mokgweetsi a ne a leka go boela kwa morago mme ya re ba ba mo lwapeng ba mo goa go mo tsibosa gore o tlaa thula mongwe a gata mahura ka jalo koloi ya oketsa lebelo. Superintendent Khumo a re koloi eo e ne ya felela e thula mongwe wa ba na neng ba ntse kwa morago ga yone mme ya mo pataganya le koloi e nngwe e le yone e neng e le mo lwapeng. A re kotsi e diragetse ka nako ya bone mo tshokologong kwa kgotleng ya letsibogo mo lwapeng lengwe kwa go neng go na le bokopano jwa motshelo teng. Superintendent Khumo a re mokgweetsi wa koloi e e bakileng kotsi ke mme wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi ka jalo o thusa mapodise go tlhotlhomisa tiragalo e e bakileng leso. A re le fa a ne a ragosediwa kwa sepateleng ka bofefo ka go tlhoka lesego o ne a felela a tlhokafetse. O supile gape gore mo ditlhotlhomisong tsa bone ba belaela fa mokgweetsi wa koloi e e bakileng kotsi a ne a iphetisitse nnotagi. Rre Khumo o tsweletse a tlhalosa gore e tlaa re ditlhotlhomiso tsa bone di sena go wela mokgweetsi wa koloi a isiwe fa pele ga lekgotla go arabela molato wa go baka leso ka go kgweetsa a sena kelelelo le gone a sena teseletso ya go kgweetsa gape a iphitisitse nnotagi. Superintendent Khumo a re o kopa batho go emisa mokgwa wa go kgweetsa ba sena teseletso ya go kgweetsa, mo godimo ga moo ba nole bojalwa, a supa fa go dira jalo e le go tlhoka boikarabelo e bile e le molato. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Dirisang ditonki mo temong - molemisi Molemisi kwa Serowe, Mme Kealeboga Tonoko o kopile balemi ba Tshimoyapula le Majwanaadipitse go dirisa ditonki mo temong ka le tsone di letlelelwa go dirisiwa mo lenaneong la ISPAAD. A re ditonki di ka thusa mo temong ka mo dinakong tse dingwe balemi bangwe ba kgona go nna le letlhoko la didirisiwa tsa temo, bogolo jang diterekere. Mme Tonoko o ne tsibogela dilelo tsa bangwe kwa metseng eo ba ba neng ba ntsha ngongorego ya gore ga ba ise ba leme fa bangwe ba ne ba bolela ba lemile morago ga nako, kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Baratiwa Mathoothe. A re yo o lemang ka ditonki le fa a ka tswa a itemetse, o a duelwa ka lenaneo la ISPAAD mme balemi ba tshwanetse ba tsibogela monyetla o ba o filweng, ba o dirise ka bangwe ba na le ditonki. O ne a solofetsa balemi fa a tlaa itsese beng ba diterekere ba ba ka tswang ba feditse go lemela ba mafelo a mangwe go tla go ba thusa. Mogokgo wa sekole sa Tshimoyapula, Mme Kgalalelo Sekhwela o kopile mopalamente go ba kopela motshine o o ntsifatsang dipampiri. Mme Sekhwela a re sekole seo, se tokafaditse maduo a lekwalo la bosupa, sebe sa phiri ke gore bangwe fa ba tsena kwa dikoleng tse dikgolwane, ba tlogela sekole ba bo ba tla go nna mo gae. O ikuetse mo batsading go ruta bana botlhokwa jwa thuto. Rre Mathoothe o ne a solofetsa mogokgo go kopa dithuso kwa a ka di bonang teng. O ne gape a lebogela banni go bo ba mo tlhaphile go nna moemedi wa bone mme a ba kopa gore ba itebaganye le go tlhabolola motse. A re o tlaa baya go baakanngwa ga sekole se segolwane sa Patikwane kwa pele, selo se banni ba boletseng fa se tlhoka go tsibogelwa. Mopalamente o ne a ya go bona sekole mme a fitlhela se le mo seemong se se maswe. A re marobalo a baithuti a tlhoka go tsibogelwe ka a se mo seemong sa se ba ka bong ba robala mo go sone e bile palo ya baithuti ba ba nnang koo e feteletse. economy_business_and_finance 3 Sepodisi se godisa ofisi ya Kopong Banni ba Kopong kwa kgaolong ya Kweneng ba boleletswe fa ofisi ya sepodisi kwa motseng oo e godisitswe, mme jaanong e tlaa okamelwa ke lepodisi la maemo a Assistant Superintendent go tswa kwa go a Sergent. E rile a rola mookamela ofisi eo semmuso, Kgosi Michael Molefhe wa Kopong a re go botlhokwa gore banni ba lekodisiwe ka diphetogo tse di diragalang go rotloetsa mowa wa tirisano mmogo. O ne a lebogela puso go godisa bodiredi jwa sepodisi kwa motseng oo a re Kgosi Molefhe o ne a kopa banni go dirisana sentle le mapodisi le go ithuta ditsamaiso tsa sone gammogo le methale e mesha ya go lwantsha borukhutlhi. O ne a supa fa ba sa bone boroko ka jaana kgolo ya motse e baka ntsifalo ya mefuta ya borukhutlhi. O supile fa Kopong a gola mme le borukutlhi bo golela pela, ke ka moo puso e boneng go le maleba gore le ofisi ya sepodisi e gole. E rile a ntsha la gagwe, Assistant Superintendent Michael Mosothwane a kopa banni go dirisana le mapodisi ka jaana ofisi ya gagwe e buletswe setshaba. Asst Supt Mosothwane o ne a tlhalosa fa a setse a kopane le baeteledipele ba motse. A re o ne a bona go tlhokafala go kopana le bone go sekaseka seemo sa borukhutlhi, mme a lemoga fa seemo sa borukutlhi se sa jese di welang. Asst Supt Mosothwane le baeteledipele ba motse oo, ba ikaeletse go tlhama dikomiti tsa twantsho borukhutlhi mo dikgotlaneng ka bongwe ka bongwe. A re o ikaelela go tswelela a rerisana le banni le go ba rutuntsha ka methale e e farologaneng ya go lwantsha borukhutlhi le go rutuntsha bagwebi go sireletsa dikgwebo tsa bone. O tlhalositse fa borukhutlhi bo le mefuta mentsi, ka jalo go le botlhokwa go dirisana le banni ka ba tsile go tlhoka thuso ya bone go leka go tokafatsa seemo, a tlatsa ka gore ele mapodisi b aka se kgone ba le nosi go lwantsha borukutlhi. Asst Supt Mosothwane o ne a kopa banni go ba loma tsebe ka bao ba ba dirang borukhutlhi, a solofetsa fa maina a ba loma tsebe a tlaa sirelediwa . A re bangwe ba rekisa ditagi di tshwana le motokwane ka jalo o ba kopile go ba loma tsebe ka batho ba ba dirang jalo gore bat le ba tseelwe dikgato tse di maleba ka e bile ba rekisetsa le bana mme se se baa matshelo a bone mo diphatseng. O ne a supa fa kgang e nngwe e e tshwenyang, ele ya batho b aba kgweetsang ba sena diteseletso, mme a supa fa ba tsile go ema ka dinao go emeisa ditiragalo tse. Fa ba tswa la bone, banni ba ne ba leboga le go amogela ramapodise ba mo solofetsa go dirisana le ene go lwantsha borukhutlhi mo motseng wa bone. crime_law_and_justice 1 Mapodisi a tlhotlhomisa dintsho tse pedi Monna wa dingwaga tse di fa gare ga masome a marataro le boferabobedi le masome a supa kwa Kanye o bolaile mosadi wa gagwe a bo a ikaletsa. Se se rurifaditswe ke mogolwane wa mapodisi a Sejelo, Superintendent Mogomotsi Matlapeng, mo potsolotsong ka Labobedi. A re go belaesega fa monna a bolaile mosadi wa gagwe wa dingwaga tse di magareng ga masome a mane le masome a mane le botlhano ka Tshipi kwa lwapeng la bone. A re monna yo, o bolaile mosadi ka go mo tlhaba ka sengwe se se bogale mme morago a ikaletsa mo ntlong ya bone kwa kgotleng yoora Selotlego. Supt Matlapeng a re dikgang tsa mofuta o di a tshwenya le ntswa di rotha kwa kgaolong ya gagwe. O ne a kopa Batswana gore fa motho a utlwa maikutlo a gagwe a tsholetsegile a kope thuso. O ba gakolotse go kopa thuso mo baruting, dikgosi, mapodisi le ba tshidilo maikutlo go ba fa dikgakololo go tila matlhotlhapelo a go bolaya le go ipolaya. Supt Matlapeng a re gore motho a bolae a bo a ipolaya ga se go baakanya dilo mme ke go okeletsa ba ba salang mathata. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Kgosi a lebogela dithuto tsa bananyana Kgosi wa Mmatshumo mo kgaolong potlana ya Boteti, Kgosi Keletshwaretse Phetsogang a re o lebogela lenaneo la dithuto tsa bananyana le a reng le tsweletse sentle. Kgosi Phetsogang o buile jalo kwa phuthego ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe bosheng. Kgosi Phetsogang a re nako e ile e dikole tsa bananyana di neng tsenwa fela ke bana ba batho ba ba nang le madi. Kgosi o ne gape a lebogela lenaneo la temo la ISPAAD le a reng le ba thusa mo temong mme a re sebe sa phiri ke diji. O tlhalositse fa ba sa bona thobo e ba neng ba e solofetse ka lebaka la tshenyo e e dirilweng ke dinonyane, a tlatsa ka go re balemisi ba nnile maoto a tshupa go tsibogela seemo. Kgosi Phetsogang a re tsela e e tswang Mmatshumo e ya Letlhakane e sekgwa a kopa gore e dirwe ka lenaneo la Ipelegeng ka gore e diphatsha mo matshelong ka jaana e tletse diphologolo. O ne gape a ngongoregela go bo mabelo a difofane a Race For Rhinos a fodusitswe kwa kgaolong ya bone mme ba sa rerisiwa. E rile fa a rolela mopalamente pego ya bone, modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Otsile Gaboeletswe a tlhalosa fa ba kgonne go teratelela dijarata tsa VDC di le pedi le go gokela matlo mangwe motlakase. Rre Gaboeletswe o supile letshwenyego ka metsi a a letswai a a reng ga a a siamela botsogo jwa batho, bogolo jang ba malwetse a madi a matona, sukiri. A re bangwe ba bone ba tsaya metsi a ba anwang kwa Letlhakane. Rre Gaboeletswe o ne gape a re ba na le mathata a dipompo tsa mekgwatha tse di sa berekeng mo go dirang gore batho ba felele ba anwa metsi a a sa babalesegang a didiba. O ne a kopa gore go phatlaladiwe metsi kwa ditsheng tse disha go bewa. O ne a supa gape fa go na le tlhaelo ya dibuka le dijo kwa sekoleng se sebotlana. O ne gape a re sekole sa bone se onetse, ka jalo ba batla gore se baakangwe, a supa fa ba na le tlhaelo ya boroko jwa baoki le mapodisi le dikoloi. Mopalamente Sethomo Lelatisitswe o ne a supa fa a tlaa sala morago matshwenyego a bone. O bile a akgola VDC go bo e dira sentle go ya ka pego ya yone. Rre Lelatisitswe o ne a ba rolela melao paakanyo e le mene e e fetisitsweng kwa palamenteng e e fitileng; ya tsa mesepele, boagedi lefatshe le wa go tlogela tiro ga bo Tautona. O ne gape a tlhalosa fa meraka ya Makgaba e tlhomamisitswe go nna motse. Rre Moipontshi Pifelo o supile letshwenyego la batho ba meraka ya Thabatshukudu ya gore ga ba itse gore totatota ba tsaya ditlamelo kae fa e le Mmatshumo le Nata ka gore ba ba isa kwa le kwa. Rre Pifelo a re kgang e dira gore ba bone ditlamelo ka tshokolo le ditshenyegelo tse di ko godimo. E rile fa a leboga Mokhanselara wa Mmatshumo yo gape e leng mothusi modulasitilo wa khansele potlana ya Boteti, Rre Goabaone Bolesitswe a supa fa ba dumelane kwa khanseleng gore tsela ya Mmatshu/Letlhakane e tlaa dirwa ka lenaneo la Ipelegeng le bangwe ba ba tlaa thapiwang ka nakwana ke ba lephata la ditsela. Mokhanselara o supile fa a tshwengwa ke go ima ga bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase a re o buile le ba boipelego le ba botsogo gore fa bona seemo seo ba bege dikgang tsa teng gore badira melato ba tseelwe dikgato. BOKHUTLO education 4 Matlhagatlhaga a go ipelela boipuso a ile tlase Go lebega matlhagatlhaga a go ipelela letsatsi la boipuso a tsweletse ka go wela tlase. Mopalamente wa Boteti bokone, Rre Slumber Tsogwane o buile jalo fa a tshwere phuthego ya kgotla kwa Rakops, a supa fa go le botlhokwa go ipelela boipuso ka meletlo ya seemo se se kwa godimo e bile e tletse ka boitumelo. A re jaaka Batswana ba ipaakanyetsa moletlo wa boipuso jwa dingwaga tse di masome mane le bosupa, ba tshwanetse go ikgakolola bokao jwa letsatsi le. Mopalamente Tsogwane a re jaaka ngwaga wa tebelopele wa 2016 o atamela, go tshwanetse go bonala koketsego ya tshologelo le go tlhaloganya bokao jwa boipuso mo Batswaneng. Rre Tsogwane o gakolotse Batswana go dirisa letsatsi la boipuso go tsosolosa ngwao ka go supa mmino le metshameko ya maloba, ba bo ba supe fa ba ipaakanyeditse go wetsa maitlamo a matshego a tebelopele. O tlhalositse gore le maitlamo a tebelopele ya lefatshe ka bophara, a rotloetsa mafatshe ka bongwe ka bongwe go dira mananeo a a netefatsang gore ka 2015 go bo go na le ditlamelo tse di lekaneng tsa boitekanelo le thuto. E rile a ntsha la gagwe, Kgosi Gonkgang Mankgatau wa Rakops o ne a tlhalosa gore boeteledipele jwa motse le komiti e e baakanyetsang boipuso ba tsere tshwetso ya gore morafe o ipele mmogo kwa kgotleng. A re mo dingwageng tse di fetileng, morafe wa Rakops o ntse o ipela o le makgamu, boipuso bo jelwa kwa dikgotlaneng. O supile gore tsamaiso ya go ipela ba kgaoganye e isitse seemo sa meletlo kwa tlase, ka jalo monongwaga ba tsere tshwetso ya go phuthela morafe kwa kgotleng ya motse, go busetsa serodumo sa boipuso. Kgosi Mankgatau a re bangwe ba ngongoregela gore go ipelela kwa kgotleng e tona go ka nna ga kgoreletsa tsamaiso e ba e tlwaetseng ya go titiela bojalwa jwa Setswana, jaaka ba tshela ba dira kwa dikgotlaneng. Le fa go ntse jalo Kgosi Mankgatau morafe o gololesegile go omela le go nwela bojalwa jwa Setswana mo kgotleng ka letsatsi leo, mme a gatelela gore ba itshware sentle. Mo go tse dingwe, Mopalamente Tsogwane o gakolotse baagi ba Rakops gore ngwaga le ngwaga Tautona o aba dietsele tsa Batswana ba ba dirang ka natla go tlhabolola lefatshe le matshelo a batho ka bongwe ka bongwe mme o tshwenngwa ke gore morafe wa kgaolo ya gagwe o nyafalela go ntsha maina a ba ba ka abelwang dietsele tseo. A re bangwe ba ba abelwang dietsele, ke ba e kileng ya bo e le badiri mo dingwageng tsa maloba mme ba thusa thata mo go rotloetseng puso ya batho ka batho. O supile gape gore go na le batho ba ba dirang ditiro tse di supang le go somarela ngwao, bangwe ba dira ditiro tsa go ithaopa ba thusa go tlhabolola matshelo, ba rotloetsa le go dira ditiro tse di thusang go nyeletsa lehuma. O kopile morafe wa Rakops go lomagana le bodiredi jwa ofisi ya ga mopalamente, gore ba kgone go kwadisa maina a ba ba tshwanetseng go fiwa dietsele. O supile gore kgaolo potlana ya Boteti e na le palo e ntsi ya batho ba ba diretseng setshaba, ka jalo ba tlhoka go lebogwa. A re bangwe ba bone ba thusitse go simolodisa metse mengwe fa ba bangwe ba tswa kgakala ba direla dikomiti dingwe mo motseng ka botswapelo. Mopalamente o gakolotse gape gore setshaba se ikwadisetse ditlhopho ka dipalo tse di bonalang, a supa fa tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe e le go dira jalo, a tlatsa ka gore go tlhopha kemedi e e nonofileng ke tsela ya go nonotsha puso ya batho ka batho. O gateletse thata gore morafe o tswelele ka go rapelela pula le go lwantsha segajaja sa bolwetse jwa AIDS gammogo le kgokgontsho ya bomme le bana. Bokhutlo arts_culture_entertainment_and_media 0 Ba Molepolole ba lela ka ditlamelo Banni ba Molepolole mo kgaolong ya botlhophi ya Molepolole Borwa ba ikuetse mo mopalamenteng wa kgaolo ya bone, Dr Tlamelo Mmatli, gore ba tlhoka ditlamelo tse di akaretsang metsi, ditsela, maobo a dikgotla le go baakanngwa ga sekolo se se botlana sa Bonewamang. Ba buile se mo phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke mopalamente ka Labotlhano.Fa a fa tekodiso, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Malutu Keolatswe a re go lebaka kgaolo e ntse e sokola ka letlhoko la metsi ka jalo basa kgone go dira ditiro dingwe tse di tlhokang tiriso ya metsi. Modulasetilo o buile gape ka letlhoko la ditsela, a re kgaolo ya bone e agilwe mo lentsweng mme go tlhoka ditsela mo go yone go ba baya ka fa mosing ka gore le dikoloi tsa setshaba ga di tsamaele teng ka jalo ba sokola ka dithoto fa batswa marekisetsong. Mo go tse dingwe modulasetilo o kupile mopalamente go ba thusa gore ba agelwe maoobo mo dikgotlaneng tsa kgaolo a tlatsa ka gore ba bona maoobo ao fa ba etetse dikgotla tsa Molepolole bokone. E rile a wetsa puo ya gagwe Mme Keolatotswe a lekodisa mopalamente gore sekolo se sebotlana sa Bonewamang gase mo seeming se se itumedisang. A re dikago di onetse mme go lebaka di ntse fela jalo disa baakangwe, a tlatsa ka gore se se ngomolang pelo ke gore sekolo se se go rutelwa gape le bana-le-bogole mo go sone, batho ba ba tlhokang tlhokomelo e e ko godimo. Mongwe wa banni o ne a kopa batsadi go bua thata le bana ba bone ka mosola wa go tsena sekolo. Rre Leungo Gabatlale a re go makgetho a le mantis a bona bana ba dikolo bale mo lentsweng le le fa sekolong sa Sedumedi CJSS ka nako ya sekolo, bangwe ba gobea mo mekgwatheng go sena mabaka a a utlwalang. Fa atswa la gagwe, Dr Mmatli oboleletse banni gore Molepolole ke motse o motona o o tshwanelwang ke go tlhabololwa ka ebile o tsamaela go nna motse setoropo. A re matshwenyego a bone ka bontsi o a a itse, a dumalana le modulasetilo gore letlhoko la metsi le emesitse ditiro ka bontsi, mme a re ofisi ya gagwe emo thulaganyong ya go isa dikopo tsa gore metsi a a tswang ko bokone jwa lefatshe leno a goroge le ko Molepolole gore selelo se se arabesege. Dr Mmatli a re ofisi ya gagwe e tshwentswe thata ke dikgang tsa seemo sa botsogo ka dikokelo mo kgaolong di sena bodiredi jo bo lekaneng le go tlhaele ga melemo mme a re seemo se o se lekodisitse tona ya botsogo yo o neng a tsaya matsapa a go lekola seemo se. O kopile batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana ka go tlhomamisa gore bana ba dikolo ba dira tiro ya bone ya sekolo, baya sekolong ba jele e bile bale phepa,m a tlatsa ka gore seemo sa thuto mo lefatsheng se tshwentse thata goromente le ene tona ya tsa thuto tota. society 9 Spar ga e letlelele bana go reka Marekisetso a Spar kwa Serowe ga a letlelele bana go reka kwa marekisetsong ao go thibela kanamo ya mogare wa corona. Mogolwane wa Boiteko Spar, Mme Florence Ortel, o boletse mo potsolotsong gore puso e ne ya tswala dikole gore baithuti ba nne kwa malwapeng e seng go sasankega. A re bana bangwe ba dikole ba saila le marekisetso fa bangwe ba tsamaya le mebila. A re ba kganela bana go reka kwa marekisetsong a bone le fa ba ka rumiwa ke batsadi, mme ebile ba ikuetse mo batsading go emisa go roma bana kwa marekisetsong ka go na le mosuke. O boletse fa ba tshwenngwa ke ka fa bana ba dikole ba tlalang kwa marekisetsong ka teng mme fa gongwe ba sa dire sepe se se kalo. Mme Ortel o boletse fa ba dira ka gotlhe go bona gore babereki le bareki ba sala morago dikgakololo tsa go thibela mogare wa corona. A re bareki ba tlhapa diatla fa kgorong ya marekisetso ka metsi a a nang le molora fa kwa go duelelwang teng baduedise ba dirisa setlolo sa diatla (sanitiser) nako le nako.A re ba beile metsi a a nang le molora fa kgorong ka gore bangwe ba re sanitiser ga e ba tseye sentle. A re ba ba duedisang ba sutlha dipolokelo tsedi tsenyang madi le tafole e ba direlang mo go yone ka dibolaya megare. Mo marekisetsong go na le dikaedi tse di supang gore batho ba nna sekgale se se kae ba sa atumalane thata ebile ga go tsenwe ka mogoro mo marekisetsong. health 6 Mopalamente Rre Mzwinila o lekola kgaolo Mopalamente wa Mmadinare yo e bileng e le mothusa tona wa tlhabololo metshameko le ngwao Rre Kefentse Mzwinila a re tiriso ya madi ya ngwaga ya NDP11 e setse e dirilwe e bile e wetse.Rre mzwinila o ne a bua seo mo phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Robelela. Rre Mzwinila o tlhalositse fa ditlhabololo tse di tshwanetseng go dirwa mo lefatsheng le madi a a tlaa dirisiwang a golela pele. A re se se raya gore mo ngwageng wa NDP11 go ya go nna le tlhaelo ya madi mo go tlaa pateletsang puso go ya go adima madi kwa letloleng la dipolokelo, ka letseno la madi le sa tlhole le tshwana le la dingwaga tse di fetileng. Rre Mzwinila o tlhalositse fa puso e ne e ikaegile thata ka dikarolo tse tharo tse e neng e bona madi ka tsone, e leng ditswammung, lekgetho,bojanala le theko ya nama kwa mafatsheng a Europe. O tlhalositse fa mo nakong ya gompieno theko ya tsone e wetse kwa tlase mo go pateletsang puso go tswala mengwe ya meepo.Rre Mzwinila o tsweletse a tlhalosa fa theko ya nama le yone e supa fa e sa tlhole e rekwa jaaka pele. Rre Mzwinila o tlhalositse fa ditlhabololo tse dintsi di tlaa dirwa mo lenaneong la ditlhabololo la NDP11 nngwe ya tsone e le kago ya matlo a mapodisi kwa Mmadinare, go tlhabolola sekole se segolwane sa Motlhasedi kwa Tobane, sekole se sebotlana sa Sedibe kwa Damochojenaa, kgokelo ya metsi e e tlwaelesegileng ka go bidiwa Serule Cluster Project le go tlhabolola letamo la Letsibogo ka madi a a kana ka P150 miliion fa la dikgatlhong le ya go dirwa ka madi a a kana ka P350 million go tsenya ditlamelo di tshwana le pompo ya metsi (pump station) le mealo ya kgopho ya metsi a a leswe gore ba ba kgatlhegelang go bula madirelo a bojanala ba dire jalo. Rre Mzwinila o tlhalositse fa se se tsile go tlhamela bana ba metse eo ditiro. Rre Mzwinila o tsweletse a tlhalosa fa puso e dule ka lenaneo le le bidiwang Constituency Development Fund maikaelelo a lenaneo leo e le gore dikgaolo di kgone go itirela ditlhabololo tse ba eletsang go di dira mo metseng ya bone.Rre Mzwinila a re kgaolo nngwe le nngwe ya botlhophi ya mopalamente e tlaa neelwa madi a a kana ka P10 million mme a ya go kgaoganngwa ka dikgaolwana tsa botlhophi tsa makhanselara. Le fa go ntse jalo Rre Mzwinila o kgothaditse morafe go tshwaragana le bagogi ba motse jaaka dikgosi,makhanselara komiti ya ditlhabololo go dirisa lenaneo la Constituency Development Fund ka kelotlhoko gore le tle le ba tswele mosola. Rre Mzwinila o tlhalositse fa ba ka kgona go aga matlo a badirelapuso le go aga leobo la kgotla mme ba dirisa lenaneo la ipelegeng go fokotsa ditshenyegelo tsa go thapa bo radikonteraka ba ba ka ba lopang madi a mantsi. O solofeditse fa e tlaa re ka kgwedi ya Moranang madi ao a isiwe kwa lephateng le le maleba e re morago a fetisediwe kwa dikgaolong tsa botlhophi. Rre Mzwinila o ne a tlhalosa fa selelo sa morafe sa gore ditlhabololo di ganelela kwa dikgaolong di sele e tlaa nna selo sa maloba. Kwa bofelong modulasetilo wa khansele-potlana ya Bobirwa Rre Nathaniel Moribame o kgothaditse morafe wa Robelela go ema ka dinao gore ba kgone go bona ditlhabololo di goroga mo motseng wa bone ka fa tlase ga lenaneo la Constituency Development Fund. BOKHUTLO society 9 Mapodisi a tshegeditse monna mabapi le polao Mapodisi a Maun a tshwere rre wa dingwaga tse di masome mararo le bone mabapi le leso la mme wa dingwaga tse di masome mane le bone yo go belaelwang a mmolaile ka go mo hula ka tlhobolo Phalane a le masome mabedi le boferabobedi kwa Nokaneng. Mookamela sepodisi sa kgaolo ya Bokone Bophirima Senior Superintendent Peter Gochela o tlhalositse mo potsolotsong fa rre yoo o ne a le botsa phokoje morago ga tiragalo. Rre Gochela o supile fa mmelaelwa a ne a kopana le moswi ka letsatsi la tiragalo kwa kgotleng ya Nokaneng, mme mmelaelwa a kopa moswi yo ba neng ba ratana go tsamaya nae kwa ga gagwe, ba patilwe ke tsala ya mme yoo. A re e rile go tsena kwa ga gagwe mmelaelwa a tsena mo ntlong mme morago a tswa a tshwere tlhobolo. Moswi le tsala ya gagwe ba ne ba leka go iphalotsa mme mmelaelwa a hula moswi kwa morago, mme le ene sia morago ga tiragalo eo. Rre Gochela a re mapodisi ba ne ba tswa letsholo go batla rre yoo mme ba nna lesego ka Labotlhano. O tlhalositse fa mmelaelwa a iponaditse fa pele ga kgotla ya ditsheko kwa Gumare maabane Mosupologo a tlhola gararo. crime_law_and_justice 1 Fetolang maitsholo-Ntswetswe Motshwarelela mogokaganyi wa mananeo a HIV/AIDS kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Rre Onkabetse Ntswetswe o gwetlhile borre go tsaya dikgato tse di maleba mabapi le botsogo jwa bone le go fetola maitsholo mo ntweng kgatlhanong le kanamo ya mogare wa HIV. O supile fa ba leka ka bojotlhe go kopa le go rotloetsa borre go inaakanya le dikgang tsa botsogo di tshwana le go dira learo le le babalesegileng, go itlhatlhobela mogare wa HIV, mme fela a re go lebega ba sa tseye dikgang tse ka tlhwaafalo ka jaana dipalo di supa fa ba santse ba saletse morago. Rre Ntswetswe o buile se mo thuto-puisanong e maikaelelo a yone e neng e le go fa borre sebaka sa go itshekatseka go bona gore mabaka a a dirang gore ba nne maoto a tshupa mo dikgannyeng tsa botsogo ke eng, le go batla tharabololo ya seo, mme di tshwaretswe kwa motseng wa Dutlwe bosheng. Rre Ntswetswe a re dipatlisiso di supile fa borre e le bone ba latlhegelwang ke matshelo thata go gaisa bomme, mme a supa fa seo se bakiwa ke gore borre ba goga maoto go itlhatlhobela malwetsi ka go farologana le go dirisa ditlamelo tsa botsogo fa bomme bone ba tsiboga. A re borre ke bone ba di gogang kwa pele mo kgannyeng ya tlhakanelo dikobo mme fa go tsenwa mo dikgannyeng tsa go itlhatlhobela mogare wa HIV ba goga dinao, mme a ba kaela gore jaaka e le ditlhogo tsa malwapa ba tswelele ba nne sekao le fa go tsenwa mo dikgannyeng tsa botsogo. O gakolotse borre go tsaya boikarabelo jwa go ikgapha le go fetola maikutlo mo go tsa tlhakanelo dikobo, a re go gokaganya bakapelo le go tlhoka boammaaruri ke dingwe tse di rotloetsang kanamo ya mogare wa HIV. E rile ba akgela borre ba supa fa go tlhaela kitso ka dikai tsa malwetsi a a farologanyeng e le lengwe la mabaka le le dirang gore ba seka ba tsiboga, mme ba ikuela mo lephateng la botsogo go isa ditlamelo kwa bathong go ba tsibosa ka tsa botsogo le go phatlalatsa dikausu mo dikokelwaneng ka ba re di a tlhaela. Ba ne gape ba tlhalosa gore bontsi jwa nako fa ba lemoga dikai dingwe tsa malwetsi ba tabogela kwa dingakeng tsa setso, mme ba ye dikokelong nako e setse e fedile bolwetsi bo setse bo iphile maatla. E ne ya re kwa bokhutlong jwa dithuto tse ga tlhophiwa komiti ya Men Sector. health 6 Kgosi Molebedi o a kgalema E ne ya re bosheng Kgosi Lesitamang Molebedi wa kgotla ya Seroto mo Tonota a tshwara phuthego ya potlako kwa marekisetsong a bojalwa jwa Chibuku a Equator go kgalemela boitshwaro jo bo dirwang ke banwi ba teng le bagogi ba motokwane. Phuthego e e gwetlhilwe ke dingongora le matshwenyego a a tswang mo banning ba kgotla ya Seroto ga mmogo le ofisi ya molao ya Special Support Group ka go supega fa go ikuela batho ba le bangwefela kwa go bone le kwa kgotleng. Mongwe wa banni ba malwapa a a dikologileng marekisetso ao Rre Kabelo Kaisara a re ga ba robale ke modumo, ditlhapa, dintwa le menko mo tikologong ka banwi ba tlhapologela gongwe le gongwe mo malapeng a bone ga mmogo le go dirisa matlwana a bone mo ditirong tsa tlhakanelo dikobo. Monni yo mongwe Mme Patricia Kamodi ene o boletse fa marekisetso a sa obamele nako ya thekiso le gore mong wa sepoto ga a batle go bula matlwana a boitiketso, selo se se bakang gore banwi ba dirise malwapa a bone. Kgosi Molebedi o tlhalositse fa a le maswabi ka batho ba ba dirang ditiro tse e le bagolo ba ba itseng molao le maitsholo a a siameng mme a ipotsa gore ba tsenwe ke eng. A re matlhapa a dirisiwang kwa marekisetsong a a tsitsibanyang mmele, selo se a reng se setse se rutile bana ba malwapa a a gaufi ditlhapa. O boletse fa go sena ope yo o ka kganelang motho go nwa bojalwa, mme maikarabelo le maitsholo a tshwanetse go tswa mo banwing go itsa dikgang tsa go itiga seriti, go senya leina la motse, go senyeletsa mong wa madirelo le go itsenya mo melatong e e ka bakang toronko. A re marekisetso ao ga a na molato ka a neetswe tetla ya go dira ke khansele mme jaanong e senngwa ke maitsholo a banwi a a makgwakgwa. O kopile beng ba marakisetso go tsaya maikarabelo a madirelo a bone ka e le one tsela ya itshetso, a ba tsibosa gore fa ba bona molao o setse o tsile kwa go bone ke sesupo sa gore ga go na tsamaiso, ba bone gore ba a latlhega mme ba batla go ba tsenya mo tseleng. Gape o ne a ba kopa gore ba tsibose ba sepodisi ka boitshwaro jo bo diragalang, ba obamele nako le molao le go ikgapha mo go nweng bojalwa ba ntse ba rekisa ka ba ka seke ba kgone go kgalemela batho ba nole. Moithaopi yo o dirang le mapodisi, Mme Gaokgakala Pelontle o lebogetse se Kgosi Molebedi a se dirileng, a supa fa e re ba theogetse ba afa dikgakololo beng ba marekisetso mme ba arabe ka go re ba tlaa duela fa ba tshwarwa. O gakolotse fa go le botlhokwa gore beng ba marekisetso a bojalwa e nne bone ba ikuelang ko molaong ka maitsholo a bareki go na le gore morafe e nne one o lelang ka bone. A re ba rekegele maikutlo a batho ba ba sa nweng bojalwa ka ina lentle le itirelwa. BOKHUTLO society 9 Tirisanyo mmogo konokono Mopalamente wa Takatokwane, Rre Friction Leuwe, a re tirisanyo mmogo le popagano di ka thusa tswelelopele ya ditlhabololo kwa Salajwe. E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo ka Labobedi, Rre Leuwe a kopa banni go tshwaraganela ditiro tsa motse le go netefatsa gore ba dira mmogo go fitlhelela mananeo a ditogamaano tsa ditlhabololo. A re e re ka morafe o mo file tlotla ya go nna mopalamente wa bone, seo se raya gore ba tshwanetse go mo fa thotloetso gore ene le makhanselara ba kgone go dira tiro ka botlalo. A re keletso ya gagwe ke gore badirelapuso ba tshwanetse go ikutlwa ba amogelesegile, mme e bile ba bereke ka kagiso le tshosologo. Rre Leuwe a re morafe o tshwanetse wa itse fa modirelapuso e le motho wa nama le madi mme e bile a kgona go dira phoso mme ka jalo go botlhokwa gore fa mongwe a sa dire sentle, a gakololwe ka tsela e e siameng. Mopalamente a re go le gantsi banni ba emela gore go nne le phuthego ya kgotla gore ba supe dingongorego ka bodiredi le ntswa go na le ditsela tsa go baakanya seemo seo go sa nyadiwe ope. A re ka jalo tshwaragano gareng ga banni le bodiredi ke konokono no ditlhabololong. Ka kgang ya tsela, mopalamente o ne a solofetsa banni fa a tlaa tswelela a e sala morago jaaka Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a ne a ba solofetsa gore mo kanokong ya tshekatsheko ya ditlhabololo ba tlaa e baya kwa setlhoeng gore e tle e dirwe. Rre Leuwe a re mo palamenteng e e neng e feta o ne a gakolola ba ba maleba gore ba solofeditse banni ba Salajwe tsela mme ba seka ba diega go dira jalo. Rre Leuwe o ne a supa makhanselara e bong mokhanselara wa Salajwe, Rre Lopang Sebutlenyane le makhanselara a a itlhophetsweng a le mabedi e leng Rre Moemedi Senkotle le Mme Neo Segaise. O ne gape a supa mookamedi wa ofisi ya mopalamente Rre Titus Matthys. Banni ba ne ba leboga mopalamente go bo a tsile go ba lekola le go ba leboga. Rre Itebogeng Merafe o ne a leboga mafoko a mopalamente a go tshwaragana le go dira mmogo. A re go botlhokwa gore banana ba motse oo ba tseye dikgang tseo ka tlhwaafalo ka di ka aga motse. Rre Motlotlegi Mmoko o ne a supa fa motse wa bone o gola mme o tlhoka kanamiso ya metsi le motlakase gore ba kgone go tlhabolola ditsha. Kgosi Wetsho Gobusang ene o ne a supa fa ba sa robadiwe ke tsela bogolo jang ka e le yone e tshwereng ditlhabololo tsa motse. Kgosi o ne a ngongorega ka gore e re le ntswa ditlhopho di fetile, go na le bangwe ba ba santseng ba sa buisane sentle go ya ka gore ba mo phathing efe. A re seo ga sena go ba isa gope ka jaana batho ba Salajwe e le morafe o le mongwe mme e bile ba sikana. Kgosi Gobusang o ne a kopa morafe wa gagwe go emisa dikgang tseo mme jaanong ba tsepame mo go ageng ledula mo motseng wa bone. Mokhanselara Sebutlenyane o ne lebogela mopalamente go tshwara phuthego mme a solofetsa go bereka le ene go tlhabolola motse. Mokhanselara o ne a ngongorega ka bokoa jwa kanamiso ya metsi kwa ditsheng tse disha. A re ba tswa kgakala ba bua ka letlhoko la molemisi kwa motseng wa bone. A re e re le ntswa ba thusitswe ka wa nakwana ka e le nako ya temo, ga go a lekana. politics 7 Ba Kgalagadi Borwa ba rotloediwa go ikwadisa Go bolelwa fa dipalo tsa batho ba ba ikwadiseditseng ditlhopho kwa Kgalagadi di sa nametse gotlhelele. Se se boletswe ke mogolwane wa ofisi ya ditlhopho kwa Kgalagadi, Mme Francinah Moeletsi fa a ne a buisana le BOPA bosheng. A re dipalo tsa batho ba Kgalagadi Borwa ba ba ikwadiseditseng ditlhopho di kwa tlase fa go tshwantshanngwa le tsa Kgalagadi Bokone ka go ikwadisitse ba le 2 280 fa kwa bokone e le 2 446. O kaile fa palo ya batho ba Kgalagadi Borwa e ka nna 32 000, fa go bapisiwa le ba Kgalagadi Bokone ba le 18 000. Mme Moeletsi a re dipalo tse dintsi tsa batho ba ba nnang kwa Kgalagadi Borwa ke babereki go tswa mo mafelong a mangwe, jalo a re dipalo tse di kwa tlase tsa ikwadiso di bakwa ke gore batho bao ba ikwadisitse kwa magaeng a bone. Mme Moeletsi o kaile fa tsholofelo ya bone e ne e le gore mo ikwadisong ya poeletso e e tlang, setshaba se tlaa ya go ikwadisa ka makatlanamane. A re se se swabisang ke gore batho ba ne ba ya teng ka go rotha fa mo malatsing a mangwe ba ne ba sa iponatse kwa matlhophelong gotlhelele. A re mangwe a maiteko a ba a dirileng go isa molaetsa kwa setshabeng ka ikwadisetso ditlhopho ke go tlhopha baemedi ba banana kwa metseng ya Werda le Hukuntsi, selo se a reng se ba bereketse thata ka banana ba kgaolo eo ba ikwadisitse ka dipalo tse di nametsang fa go tshwantshanngwa le bagolo. O supile fa gape ba ne ba ikopanya le boeteledipele jwa metse jaaka dikgosi, baruti, dikomiti tsa ditlhabololo gore ba ne ba rotloetsa le go tlhalosetsa morafe ka mosola le botlhokwa wa go ikwadisetsa ditlhopho gongwe le gongwe fa o kokoanyeng teng Fa a bua ka mapolotiki, o kaile fa ba ne ba sa tsenya letsogo mo go nametsang ka go kgothatsa batlhophi go ya go ikwadisetsa ditlhopho. Mme Moeletsi a re le ntswa setshaba se sa tsibogela go ikwadisetsa ditlhopho mo poeletsong ya ntlha, o nona pelo ka mathe ka go re gongwe ba tlaa ya ikwadisetsong ditlhopho tsa poeletso ya bobedi e e tlaa simologang Motsheganong a tlhola letsatsi go fitlha e le lesome le boferabobedi. Mme Moeletsi o gakolotse setshaba go tsiboga le go iketleeletsa go ya go ikwadisetsa ditlhopho ka makatlanamane mo malatsing ao, a supa fa ikwadisetso ditlhopho e le tshwanelo ya bone e e ka fa molaong gore ba kgone go tlhopha, jalo ba seka ba e ithontsha. BOKHUTLO politics 7 Batlang maano a itshetso-Kwerepe Mopalamente wa kgaolo ya Ngami, Rre Thato Kwerepe o rotloeditswe banni ba kgaolo ya Nhabe go inaakanya le mehama e mengwe ya itshetso go inamola mo lehumeng le le ba apereng. E rile a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng ya Gumare, Tubu le Nokaneng, Rre Kwerepe a re e re ka mehama e mengwe e tshwana le ya temo-thuo e santse e haraharilwe ke manokonoko a di tsa tlholego, ke gone ka moo ba tshwanetseng go inaakanya le e mengwe e tshwana le ya go dira makgotla a go dira madi. Rre Kwerepe a re mo nakong eno, mohama wa thuo ga o na dipoelo ka ntata ya go tlhagoga kgapetsa-kgapetsa ga bolwetse jwa tlhako le molomo fa mohama wa temo le one o lebanwe ke kgwetlho ya diphologolo tse di senyang mo masimong. A re ka jalo, go a tlhokafala gore banni ba batle maano a mangwe a masha a itshetso jaaka go gweba ka tsone diphologolo le matlotlo a mangwe a tlholego, a a fitlhelwang mo tikologong ya bone go itshetsa fa puso e santse e tsweletse ka go batla maano a go rarabolola manokonoko a a amileng kgaolo ya bone. Mopalamente Kwerepe gape a re banni ba kgaolo ya Nhabe fa ba ka inaakanya le mohama wa bojanala ka go tlhama makgotla, go ka ba tokafaletsa matshelo jaaka go diragala ka banni ba metse mengwe ya Okavango le ya Maun. “Ga ke re lo seka lwa rua kgotsa lwa lema, mme fela potlakelang mananeo a mangwe a a ka lo ntshang mo lehumeng,” Rre Kwerepe a tlhalosa. Mopalamente o bile a kopa banni ba metse eo go tsaya tsia dikgakololo tsa ba tepo loapi ka go lema dijwalo tse di sa babalelweng ke mogote o montsi di tshwana le lablab go itepatepanya le seemo sa loapi. A re e re ntswa banni ba kgaolo eo ba tlwaetse go lema mmidi fela, ba tshwanetse go fetoga ka lebaka la diphetogo tsa loapi. E ne e rile pele, banni ba metse eo ba supa puso ka monwana ka go nna maoto a tshupa go nyeletsa bolwetse jwa tlhako le molomo mo kgaolong ya Nhabe, selo se ba beileng kafa mosing. Ba gwetlhile puso go aga sekganedi kwa terateng e e kgaoganyang leruo le diphologolo go le itsa go kopakopana le dinare tse di bakang bolwetse jwa tlhako le molomo. Mme ba ne ba tlatsa ka gore ga go ba sologele molemo ka gope go bo ba kentela dikgomo tsa bone bolwetse jwa tlhako le molomo, ntswa morago ga moo di ya go kopana le dinare gape kwa mahudisong ka jaana terata e digilwe ke ditlou. Lefa go ntse jalo, mongwe wa banni Rre Etsogile Mphoyamodimo o kopile puso go gagamaletsa molao barui ba dikgomo tsa bone di fitlhelwang di sa kentiwa go leka go nyeletsa bolwetse jo ba rileng bo ba fetotse batlhoki ba nta ya tlhogo. Legale, ba atile mogopolo wa go tlhama makgotla mme ba kopa go rutuntshiwa mo go tseneletseng gore ba nne le kitso e e tletseng gore e sere mo tsamaong ya nako lekgotla la bone la phutlhama ka ntata ya botlhoka kitso. E ntse e le mo diphuthegong tseo, Mothusa modulasetilo wa komiti ya balemi-barui, Rre Timothy Samoxa o ne a kopa mopalamente go ya go ba boletsa kwa pusong gore ke eng ditlhwatlhwa tsa matlhabelo a BMC di farologana ntswa e reka mo lefatsheng le le lengwe. A re ka sekai, kwa matlhabelong a Lobatse, kgomo e rekwa P32.40kg, fa kwa matlhabelong a Francistown e rekwa P23 mme kwa matlhabelong a Maun gone e rekwa P16 kg. Bangwe ba ngongoregetse go sa akoleng lenaneo la Nyeletso Lehuma ka ntata ya go tlhoka didirisiwa ntswa ba morago ga thutuntsho ba ne ba solofetse go inamola mo lehumeng, ba bo ba kopa puso go potlakela seo. Mabapi le molao kakanyetso wa palo ya go tlhamiwa ga dikereke, banni ba dumalanye le palo ya makgolo a mabedi le masome a matlhano kgotsa go feta, ba re dikereke tseo di na le seabe mo go weleng tlase ga maduo a bana ba dikolo ka ba sa kgone go ithuta ka ntata ya dikereke tseo tse di lalang di tlhodiya bosigo jotlhe. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Barolong ba rotloediwa go kwala le go tlotla ngwao Barolong ba kopilwe go ikgakolegelwa le go tshegetsa kitso ya ditso tsa bone. E rile a ribolola semmuso setshwantsho sa sereto sa bone sa Tholo kwa kgotleng ya Good Hope bosheng, motshwarelela bogosi jwa Barolong, Kgosi Botiki Motshegare a tlhalosa fa kitso e tlhoka go somarelwa. O kaile fa a sa jesiwe diwelang ke gore bangwe ba sotla dikitso dingwe tsa ngwao ba re ke boloi. Kgosi Motshegare o tlhalositse fa bogologolo babina tholo ba ne ba ikgantsha ka maranyane a setso a aneng a thusa, a kaya fa le bongaka jwa bogologolo bone bo tlotlwa, a a fa sekai ka go dirwa thobega. O kaile fa ngwao e phuagantswe ebile e kgobiwa ka dipuo, fa batho basweu ba somaretse dingwao tsa bone, ka go di kwala, tse di bosula le tse di molemo. Lebutswapele go tswa mo Borolong, Mme Ethel Tsotetsi ene o tlhalositse fa ditso di kaya gore Barolong fa ba ne ba ntse ba kgarakgatshega lefatshe lotlhe, ba ne ba goroga kwa lefelong le go neng go le leuba teng. Mme erile ba tlwelwa ke go itlhoboga, ba setse ba le gaufi le go swa ke lenyora, ba bona motlhapi wa ditholo, mme ba o sala morago go fitlhela ba tsena fa metsi a leng teng. O tlhalositse gore ka boitumelo, fa ba sena go nwa metsi, ba dumelana gore go simolola lone letsatsi leo, ba tlaa bina tholo le tshipi. A re ditso di supa gore kgosi ya ntlha e e neng e bitswa Morolong e ne e betla dilepe le didirisiwa tse dingwe a dirisa tshipi, ka jalo ba bitswa babina tshipi le tholo. Mme Tsotetsi o tlhalositse gape gore kgaolo e biditswe Barolong Farms, bogologolo tala, ka dingwaga tsa bo 1871. A re ko moragonyana pele ga boipuso, batsadi ba bone ba ne ba nna kwa Mafeking kwa e neng e le legae, mme Barolong Farms e ne e le masimo le meraka. O kaile fa dipolase di ne di le masome a mane le bobedi, a re ka nako eo, Kgosi Montshioa o ne a abetse dikgosana dipolase tse ba tshwanetseng gore ba di dise. A re metse ee akaretsang Good Hope e ne e le polase e e neng e neetswe nngwe ya dikgosana. Mme Tsotetsi o kaile fa dikgosi di le dintsi tsa Barolong di fitlhetswe kwa Mafikeng, mme a supa fa kgosi ya ntlha go fitlhelwa mo Botswana e ne e le Kgosi Besele II ka gore jaanong ke fa Botswana a setse a ipusa. O supile fa Kgosi Besele wa bobedi, yo e leng rraagwe Kgosi Letlaamoremg II, a beilwe ka ngwaga wa 1971. A re Barolong ke morafe o o itsegeng thata ka temo. Mme Tsotetsi o ne a dumalana le kgosi gore ditso tse di kwalwe, gore batho ba itse ka morafe o. arts_culture_entertainment_and_media 0 Ba filwe ditlhako le dikobo Moeteledipele wa Moto Reliance kwa Mahalapye, Rre Keshir Ahiri, o abetse ba-na-le bogole ba le supa ditlhako le dikobo kwa Tobela mo kgaolong ya Shoshong bosheng. E rile a bua kwa moletlong wa kabo dimpho tseo, mohumagadi wa ga Rre Ahiri, Mme Rachel Magapa a bolela fa se ba se dirang e se ipapatso mme e le go supa lerato mo bathong ba ba tshelang le bone. Mme Magapa a re go botlhokwa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka e se bone ba ikgethetseng seo mme e bile gole botlhokwa go ka ba namola mo lehumeng. O tlhalositse fa ba eletsa go bona kgatelo pele mo setshabeng go ya ngwageng wa 2016 o ka one ba Batswana tshwanetseng gonna setshaba se se kutlwelo botlhoko e bile e kgathala ka ba bangwe. Fa a tswa la gagwe, kgosi wa Tobela, Major Mmphoyakgosi Kgotlayame o kopile baabelwa go tlhokomela tse ba dinewang ga mmogo le go se ngongoregele bonnyane jo ba bo fiwang ke khamphani ya Moto Reliance. Kgosi Mmphoyakgosi o ne a lebogela se se dirilweng ke khamphani eo, ka ele nngwe tsela ya go thusa puso mo lenaneong la nyeletso lehuma. Moto Reliance e kile ya abela gape banni ba metse ya Mmutlane, Kalamare le Bonwapitse. O kgothaditse banni ba kgaolo go nna le lerato mo bathong a re thuso ga e tswe fela ka dikomponeng kana ka gore motho mongwe o humile a re go a kgonagala gore se motho a nang naso o kgaoganye mongwe le ene a ise ganong ke go supa lerato go dira jalo. E ne ya re fa a leboga mma boipelego go tswa Shoshong, Mme Tlhokwane Gosiame a kgothatsa banni ba koo go ithuta mo go se se diragalang ka e le yone tsela go ya ngwageng o o tlang. Mme Gosiame a re go thusa motho yo mongwe ke go ikokeletsa masego, ka e bile khumo e le matlhare e tlhotlhorega, a tlatsa ka gore go sego letsogo le le abang. A re go nyeletsa lehuma ga se boikarabelo ja puso e le nosi ka Motswana mongwe le mongwe a na le seabe mo go nyeletseng lehuma ka ditsela tse di farologaneng ka jalo go thusanwe ka gotwe matlo go sha mabapi. society 9 Tshwaragano e ka tlhabolola thuto Banni ba Ditshegwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba dumalane le mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Olebile Gaborone, fa go le boammaruri gore ba tshwanetse ba tshwaragana le barutabana go tlhabolola thuto mo baneng. Ba re bangwe batsadi ba moriti o tsididi fela, ga ba tseye kgato ka bana ba bone ba ba tshabang sekolo mme morago ba ba hirisetsa bangwe Batswana go ya go tswelela e nna babereki le ntswa ba sa ntse ba le babotlana go ka dira jalo. Banni ba ne ba bua se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Rre Gaborone go ba lekodisa ka dikgang di ama thuto mo baneng le ka dikgang tsa tshenyetso setshaba. Ba re gore bana ba tsoge ba nna le bokamoso jo bo itumedisang, ke fela fa ba ka bona kemonokeng ya motia go tswa mo matlhakoreng ka bobedi, e leng kwa botsading le kwa sekolong, ka jalo ba solofetsa fa ba tla leka bojotlhe go rotloetsa bana go tlhagafalela thuto. Rre Gaborone o kopile botsadi go ema ka dinao go tsenya letsogo le le mashetla mo thutong ya bana ba bone, ba tshwaragane le barutabana kwa dikolong go leka go lemotsha bana fa thuto e le yone e e ka tsogang e ba buletse dikgoro tsa botshelo. O boletse fa leruo le tse dingwe tse di ikantsweng go ka tshedisa motho di na le go ka fela, mme thuto yone e le boswa jwa sennela ruri. A re le mororo dialogane dingwe di lebanywe ke kgwetlho ya go tlhoka ditiro morago ga go fetsa dithuto, seo se sa tshwanela go kgoba ope marapo ka e tlaare nako nngwe dilo di apare tshiamo. Fa abua ka tse di amang tshenyetso setshaba, Mothusa Tona Gaborone o ne a kopa gore e lwantshiwe ka ditsela tsotlhe mme e bile e se letlelelwe go ka nna teng ka e le mmaba o mogolo o o ka phutlhamisang itsholelo ya lefatshe. O kopile gore go tswarisiwe ope yo a ka lemogwang a ikamantse le tshenyetso setshaba gore dikgato tse di maleba di tsewe ka bonako. E ne e rile a amogela baeng mo kgotleng ya gagwe, Kgosi Stephen Morwaanare wa Ditshegwane a bolela fa a tshwenngwa ke go tlhoka koloi ya puso mo kgotleng ya gagwe a bolela fa e ba kileng ba bo ba na nayo e sale e tserwe mme le jaana ba ise ba fiwe e nngwe. A re selo se se ba berekisa bokete ka ba tshelela mo go jakeng dikoloi kwa dikgotleng tsa metse e mengwe, mme a kopa mo go mothusa tona go ya go ba boletsa gore matsapa di a tsaya kae. Mo malebong a gagwe, mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng bophirima Rre Ngaka Ngaka, o ne a kopa batsadi go gagamatsa setoropo mo baneng, a bolela fa metlha e se ya maloba ka bana ba gompieno ba tlhalefetse thata dilo tse di duleng mo tseleng, ka jalo ba tlhoka kgalemo e e mashetla go laolesega. BOKHUTLO education 4 Butale o akgola sepatela sa Masunga E ne ya re kgwedi eno e le masome a mabedi le bosupa mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, Rre Biggie Butale a ipha matsapa a go etela sepatela sa Masunga. Mopalamente Butale o ne a nna le sebaka sa go etela maphatana otlhe a sepatela le kwa balwetse ba robaditsweng teng tota. Mo potsolotsong morago ga leeto la gagwe, mopalamente o ne a supa fa a itumedisitswe ke go bo sepatela seo se le phepha e bile badiredi ba sone ba iponatsa fa ba ikemiseditse go dira tiro ya bone ka manontlhotlho. O ne a akgola badiredi ba sepatela seo go bo ba itshupile fa ba dira tiro ya bone ka botswapelo le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho ka go farologana. Rre Butale a re go a itumedisa ka jaana balwetse ba ba robaditsweng kwa sepateleng seo le ba ba neng ba emetse go tlamelwa ba ne ba supa fa ba bona thuso e e nametsang. O boletse fa a bone go tshwanela gore morago ga go tsena mo ofising ka ngwaga wa 2014, a iphe matsapa a go lekola sepatela seo, a tlhalosa fa a dirile jalo ka go bo a ne a utlwa dingongorego dingwe. Mo tekodisong ya gagwe, Dr Shepherd Mupa o ne a bolela fa ba lebanwe ke dikgwetlho di le mmalwa jaaka go tlhaela ga bodiredi, didirisiwa di tshwana dikoloi, tlhaelo ya matlo a boroko jwa bodiredi le tse dingwe fela jalo. Dr Mupa o kaile fa mo nakong eno go na le badiri ba le masome a mararo le boferabobedi ba ba santseng ba emetse go abelwa matlo a boroko. Le fa gontse jalo, ngaka o ne a lebogela go bo mo dikgweding tse thataro tse di sa tswang go feta ba ne ba segofadiwa ka badiredi ba le mmalwa ba mehama e e farologaneng ya kokelo eo health 6 O esi ga o ele Mothusa molaodi kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Rre Boammaaruri Otlhogile, o kopile Batswana go fetola boitshwaro jwa bone mo go tsa tlhakanelo dikobo le go bereka ba le seopo sengwe le mmuso go lwantsha kanamo ya HIV/AIDS. Rre Otlhogile o ntshitse kgakololo e kwa letsatsing la go simolodisa merapelo ya kgwedi ya Lwetse ya go rapelela bolwetse jo, kwa Takatokwane. O tlhalositse fa HIV/AIDS e ama mongwe le mongwe, ka jalo a gwetlha dikereke, baeteledipele le Batswana ka bongwe ka bongwe go tsaya boikarabelo jwa go lwantsha kanamo ya mogare ka gotlhe mo ba ka go kgonang. Rre Otlhogile a re lefatshe leno le tsweletse ka go dira maiteko a go leka go tlhabantsha bolwetse jo, ka go atolosetsa bontsi jwa mananeo otlhe kwa dikgaolong tsotlhe tsa lefatshe leno, le gone go itebaganya le go rotloetsa learo la borre le mananeo a mangwe, mme a kaela banni bao fa go atlega ga maiteko a go le mo diatleng tsa bone. A re go botlhokwa thata gore mongwe le mongwe a ikiteye ka thupana go thusana le mmuso mo ntweng kgatlhanong le bolwetse jo, ka go sala ditaelo tsa ba botsogo morago, go fetola boitsholo tebang le tsa tlhakanelo dikobo, a re seo se ka leka go lwantsha mogare o mosha. Rre Otlhogile o ne a tlhalosa gore dipalo di supa gore ka ngwaga wa 2008, 10.3 per cent ya batho ba ne ba tshela ka mogare wa HIV mo kgaolong ya Kweneng, mme ya re ka ngwaga wa 2013 dipalo tsa tsholetsega go nna 11.8% ka jalo a supa fa seemo se tshwana le se, se tshwenya e bile se gwetlha botlhe go ema ka dinao. Mongwe wa dibui, Rre Onthusitse Batlhophi yo e leng moruti wa kereke ya Abraham Church of Botswana o ne a kopa baruti go nna sekao mo diphuthegong le mo setshabeng ka go dira tse dintle le go ikgapha mo ditirong di tshwana le boaka ka jaana di na le seabe mo kanamong ya mogare wa HIV. Moruti Batlhophi o ne gape a itsise banni bao fa go ikanya le go nna le tshepho mo Modimong e le yone tsela e e molemo mo bathong ba ba tshelang le mogare wa HIV, a kaya fa Modimo a le mogolo mo go tsotlhe e bile fa batho ba ka mo ikanya le go nna le tshepho mo go ene a ka tsisetsa lefatshe leno pholo. E ne ya re a a fa malebo, Kgosana Rakgabo Rammurwana a kopa borre go tsaya karolo mo mekgatlhong e tshwana le Men Sector, e e bopilweng go ema kgatlhanong le bolwetse jwa AIDS, mme a ba kaela gore go lemosegile fa ba le maoto a tshupa mo dikgannyeng tsa botsogo, ka jalo ba itsose. health 6 Boturu ke poelo morago Mothusa tona wa peeletso, papadi le madirelo, Rre Moiseraele Goya o gakolotse bagwebi ba babotlana go rekisa ka ditlhwatlhwa tse di tlaa kgontshang gore dithoto tsa bone di rekwe. Rre Goya o buile jalo kwa ditshupong tsa bagwebi ba babotlana ba ba dirang dithoto ka diatla, ba ba thusitsweng ke ofisi ya boipelego mo kgaolong ya Legare ka Labotlhano kwa Mahalapye. A re go paralatsa menwana go koba bareki, a tlatsa ka gore, “Go batla khumo ka lepotlapotla go busetsa morago.” O tlhalositse gore kgwebo e ka kgona go gola le go itshetlela ka go bona dipoelo, ka jalo dithoto tse di beilweng ditlhwatlhwa tsa boammaruri di kgona go rekwa ka bofefo. Rre Goya a re bagwebi ba babotlana ba dirisa kitso e ba e filweng ke Modimo go ntsha dithoto, mme a re le fa go ntse jalo go botlhokwa go ithuta mo go ba bangwe go tlhabolola boleng jwa dithoto tsa bone. Rre Goya a re maikaelelo a ditshupo tsa mofuta o, ke go tlotlomatsa le go godisa maiteko a bagwebi ba babotlana. A re se se dirilweng ke lephata la boipelego se supa gore puso e lemoga seabe sa bagwebi ba ba fatlhogang. O ne a supa gore boikarabelo jwa lephata la papadi ke go tlotlomatsa babeeletsi le go tlhabolola madirelo a sennela ruri. “Maikalelo ke go bona bagwebi ba babotlana ba kgona go ntsha dithuto le ditirelo tse di kgonang go gweba kwa mafatsheng a mangwe, ga bua jalo Rre Goya yo o neng a tswelela a tlhalosa fa ditshupo tsa mofuta o, e le tshimologo ya mosepele o mogoga moleele, o tla tsewang ke bagwebi gore ba itirele maina, ba fetoge bagwebi ba popota. “Se ke tshimologo, kgabagare le tlaa gola, le bo le kgona go phadisana mo mmarakeng wa mafatshefatsheng,” a tlatsa jalo. Rre Goya a re Amerika o na le thulaganyo ya go batlela dithoto tse di dirwang mo gae mmaraka kwa moseja. A re lenaneo la AGOA le thusitse gore dithoto tse di tswang mo Africa di kgone go rekisiwa kwa mmarakeng wa Amerika. O supile gore le fa bagwebi ba babotlana ba fatlhoga, ba tlhoka go tsamaisiwa tshipidi tonto, boammaruri ke gore ba itse se ba se dirang, ba ntsha dithoto tsa boleng jo bo kwa godimo. “Le fa dikgwebo tsa lona di le dipotlana, ke itumelela go bona le ntsha dithoto tsa boleng jo bo kwa godimo, ka jalo go le motlhofo gore di rekisiwe kwa mafatsheng a sele,” ga bua Rre Goya. Re le puso, re tshwanetse go rotloetsa bagwebi ba babotlana go ntsha dithoto tsa boleng ka dipalo tse di kwa godimo gore di kgotsofatse mmaraka wa mafatshefatshe. Rre Goya o ne a supa gore puso e tswa ka mananeo a go lwantsha lehuma, go tswakanya itsholelo le go tlhama ditiro, mme seo se ka fetoga ka tshwaragano le bagwebi ba ba potlana. A re maikaelelo a ditshupo ke go supa gore puso e batla go neela bagwebi ba sebaka sa go ithuta e seng go direlwa gore ba nonofe ba godise dikgwebo tsa bone. “Letsema le thata ka mong wa lone, nonofang, tshwarang ka thata, dirang ka lorato mme rona re le puso re tla thusa go batla mmaraka,” ga rialo Rre Goya. Le fa go ntse jalo, Rre Goya o tlhagisitse bagwebi ba babotlana go ikela tlhoko gore ba seka ba jewa ntsoma ke bagwebi ba ba tlang ka maretshwa a gore ba ka ba thusa go rekisa dithoto tsa bone kwa mafatshe a mangwe. “O tlaa utlwa motho a re ke tlaa tla ke go neela seabe sa gago ke sena go rekisa, mme morago a tsene ka lenga la seloko.” Ipabaleleng mo bathong ba go nna jaana, lephata la papadi le tla thusa go le batlela mmaraka, ga tlhalosa Rre Goya. O tsweletse a gatelela botlhokwa jwa go ntsha dithoto tsa boleng jo bo kwa godimo le go tsenya matshwao go di sireletsa le go supa gore di dirwa mo Botswana. economy_business_and_finance 3 Kgosi o rotloetsa badiri go dira ka natla Badiri ba lephata la madi le ditogamaano tsa ditlhabololo kwa Masunga ba rotloeditswe go tswelela ba dira tiro ya bone ka manontlhotlho. Thotloetso e e dirilwe ke mothusa kgosi wa Masunga, Kgosi Thabo Monaga kwa moletlong wa dijo tsa maitseboa bosheng. Badiri ba ofisi ya madi (revenue) ba ne ba ipelela go bo lephata la bone le tsere maemo a ntlha mo tshekatshekong ya go ntshiwa ga ditirelo e e dirwang dikgwedi dingwe le dingwe tse thataro. Kgosi Monaga o ne a ikuela mo go bone go ntsha ga tshwene mo tirong ya bone ka jaana maphata a mangwe le one a ya go itoma molomo wa tlase go ipona ba itlhomile kwa pele. O ne a supa fa go ne go se thona gore ba bo ba gapile maemo a ntlha ka go le mo pontsheng gore e re ntswa ba thusa batho ba bantsi mme ebile ba tlhoka go fiwa ditirelo tse di farologanyeng, ba dira tiro ya bone ka boineelo jo bo gakgamatsang. Fa a ba ema ka lefoko, mookamedi wa lekgotla la baruti la motse wa Masunga, Moruti Samson Matshegao o ne a ba gakolola ka botlhokwa jwa go utlwana le go tshegetsana fa ba dira mmogo. A re tse ke dingwe tsa dilo tse di tlisang phenyo, a gatelela le botlhokwa jwa go tsaa badiri ka tekatekanyo ga baeteledipele. Moruti Matshegao o ne a supa fa modiri ope yo o bonang fa seabe sa gagwe se lemogwa ebile se tsewa tsia a tia moko a bo a ikitee ka thupana go dira go feta jaaka go tlwaetswe. O ne a boa a gwetlha badiri ba ofisi eo go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go tshegetsa maemo a bone, a supa fa mo mabakeng otlhe batho ba le bantsi ba kgona go gola le go tuma mme e le fela ba ba tsenang mo seatleng ba ba kgonang go tswelela ba tshegeditse serodumo sa bone. Sebui sa tlotla, Rre Kgotlaetsile Oodira yo a leng mookamela-mapodise kwa Masunga le ene o ne a gwetlha badiri go tshwara ka thata. O ne a ikuela mo go bone go seke ba nyemisiwa moko ke diemo tse di thata tse ba kopanang natso letsatsi le letsatsi mo tirongya bone, mme a ba gwetlha go di leba e le direpodi tse ba ka di dirisang go tswelela ba gola. Mookamedi wa ofisi ya tsa madi mo Masunga Mme Boitumelo Tswanelo o ne a supa fa phenyo ya bone e sa ba gakgamatsa ka ba tswa kgakala ba dira ka natla mo tirong ya bone. A re le fantswa go bereka ka madi e le tiro e e masisi ba ikiteile dihuba go ntsha maduo a mantle ka dinako tsotlhe. O ne a lebogela bogogi jwa lephata la bone go bo ba bone go le botlhokwa go ba direla moletlo wa dijo e le tselaya go lemoga maiteko a ba a dirang mo tirong ya bone. Mme Tshwanelo o ne a supa fa ba tlaa tswelela ba dira ka thata go tlhomamisa gore ba fa setshaba ditirelo ntle le tiego epe le gone ba dira jalo ka matsetseleko a magolo. Bokhutlo society 9 Banana ba borre ba saletse kwa morago Go bolelwa fa banana ba borre ba saletse kwa morago go tla go itseela ka tsebe mo go tsa bongaka le dikgakololo tebang le botsogo kwa kokelwana ya banana e e kwa sepateleng sa Scottish Livingstone mo Molepolole. Se se tlhalositswe ke Mme Onneile Akanyang mo potsolotsong le ba BOPA, a tlhalosa fa bomme ele bone fela go lebegang ba iketleetsa fa borre bone ba le maoto a tshupa. Mme Akanyang o ne a tlhalosa fa kokelwana e e dira sentle fela thata, ka dipalo tse ba di bonang di oketsega tsatsi le letsatsi. A re le ntswa dipalo di golela kwa godimo, borre ba saletse kwa morago, ka dipalo tsa bone di nna dile kwa tlase fa di tshwantshanngwa le tsa bomme. A re fa ka kgwedi ya Hirikgong mono ngwaga go tsile banana ba le 526 mme mo dipalong tseo borre ba ne ba le 240 fa bomme ba ne ba le 286. Mme Akanyang o ne a gwetlha banana ba ba sa ntseng ba saletse kwa morago go etela kokelwaneng eo gore e ba tswele mosola. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa go na le tsa itloso bodutu mo kokelwaneng, go thusa banana go tsamaisa nako ba sa ntse ba letile go ka thusiwa. A re kokelwana e e solegela thata mosola bana ba ba tsenang dikole ka ba ba thusa ka bonako gore ba kgone go tshwara dithuto kwa sekoleng, a tlatsa ka go supa fa se se thusitse ka ba na ba sa tlhakane le bagolo. O ne a rotloetsa banana botlhe ba Molepolole le metse e e mabapi, bogolo jang borre gore ba dirise kokelwana ya bone; a rotloetsa thata gore ba tle go itlhatlhobela malwetsi a dikobo le gone go tsaya dikausu. A re ka tsela e, banana ba ka thibela go ima ba sale mo dikoleng, le go tsaya dithuto ka diphetogo tsa mebele ya bone. Omphile Methe, yo o dingwaga di masome a mabedi,a le mo ithutuntshong kwa kokelwaneng eo, ka fa tlase ga lenaneo la Youth Empowerment Scheme (YES), a re le fa a lekana le banana bangwe kana ale monnye mo go ba bangwe ba tshwanetse go gololosega go bua le bone ka mathata a bone ka ba ka ba thusa. A re banana ba phuthologe go bua gore ba batla go thusiwa ke mang mo kokelwaneng, a fa sekai sa gore fa rre a batla go thusiwa ke mooki wa rre a bue, ka moo go ka dira gore a gololosege go bua gotlhe mo go mo tshwenyang. Rre Methe o ne a bua fa banana ba tla ka dipalo tse dintsi mme a rotloetsa ba ba saletseng kwa morago go ikitaya ka thupana bogolo jang bo rre. BOKHUTLO health 6 Banni ba kgaolo ya Nkange ba lela ka tsela Banni ba kgaolo ya Nkange ba lela ka tsela e e tshwaraganyang metse ya Tutume le Maitengwe. Ba ntshitse matshwenyego a bone mo diphuthegong tsa dikgotla kwa Nkange, Mabuwe le Senete di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre Edwin Batshu bosheng. Ba tlhalositse fa tsela eo, e sale e senyega ngogola mme e ise e baakanngwe ka e tletse dikhuti. Mongwe wa ba tsena phuthego eo, Rre Mbizo Mongwa, a re ba ne ba solofeditswe fa tsela eo e tla ntshafadiwa ka thendara ya e dirilwe. A re fa e sa le ba leta ka tsholofelo ga gona sepe se se diragalang ka tsela eo. Rre Mongwa a re seemo sa tsela eo ga se ba jese di welang segolo jang ka pula e tsweletse ka go na. Mo go tse dingwe, banni ba ne ba kopa mopalamente gore lenaneo la mapodisi la Kgomokhumo le fetele kwa kgaolong ya bone go lwantsha bogodu jwa leruo. E rile a ba kgwa dikgaba, Rre Batshu a re thendara ya tsela ya TutumeMaitengwe e ne e abilwe mme go emetswe konteraka go dira tiro. A re ka go tlhoka lesego, bangwe ba ne ba ngongorega ka thendara eo, ka jalo tiro e ne ya tlosolosiwa gore e abiwe sesha. Ka kgang ya kgomokhumo, Rre Batshu o ne a kopa banni go lwantsha borukuthi ka nako tsotlhe le go dirisanya le mapodisi. Legale o ne a tlhalosa fa lenaneo la Kgomokhumo le tsamaya lefatshe lotlhe mme le tlaa goroga kwa kgaolong ya bone, ka jalo ba nne ba leka fa ba ka kgonang teng go lwantsha borukuthi bogolo jang jwa bogodu jwa leruo. Rre Batshu o ne a kopa banni ba metse eo go itshidila mmele ka nako tsotlhe go tila malwetse a a sa tshelanweng jaaka jwa madi a matona, sukiri le a mangwe. O ne gape a supa fa seemo sa phetogo ya loapi se setse se amile lefatshe, a tlatsa ka gore bogologolo go ne go tlwaelesegile gore ka paka e balemi ba bo ba lemile mme gompieno ga go diragale, ebile pula e boutsana. Le fa go ntse jalo o ne kopa balemi go sa tlhoboge mme ba sale ditaelo tsa balemisi morago le go lema ka ditsela. BOKHUTLO society 9 Dikgaisanyo di rotloetsa botswerere Mothusa molaodi wa Palapye Administration Authority (PAA) Rre Enerst Phiri a re letsatsi la dikgaisanyo tsa matlhagola tsela a tsa malatsi a ga Tautona ke la bodiragatsi le banana ba tshwanetseng go le tseela kwa godimo ka maikaelelo a go ropamisa talente ya bone go e baya mo mpaananeng. E rile a bua kwa dikgaisanyong tseo kwa Palapye bosheng a re o lemoga sentle gore banana ba tshwere talente e ba ka itshetsang ka yone, mme go mo maruding a bone gore a talente eo ba e dirisa sentle. O ne a fa sekai ka mogaka wa bosheng yo o neng a intsha setlhabelo go emela diopedi le badiragatsi ka dinao ka go tsamaya mosepele wa dikhilomithara di le 1 000 go kgobokanyetsa baopedi madi, Kast wa #Tlatsa Lebala, a re a banana ba ithute ba bo ba anywe mo go ene. A re bodiragatsi bo ka tlotlomadiwa ke bone go bo isa mankalankaleng, fela jaaka dikgantshwane tse di teng mo gae di simolotse ka go ribolola talente le bokgoni jwa bone, mme letsatsi leno e le badiragatsi ba tlhwatlhwa. O ne a kopa batsadi le Batswana ka kakaretso go thusa badiragatsi go lemoga bokgoni jwa bone, a re seo se ka tswakanya sa bo sa atolosa le yone itsholelo. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa kgaolo ya Legare, a lebagane le tsa mananeo a banana, Rre Master Johnson go tswa kwa Serowe o ne a re maikaelelo a dikgaisano ke go fa Motswana mongwe le mongwe sebaka sa go supa bokgoni le talente kwa ntle ga e le ngwana wa sekole. A re maikaelelo magolo a dikgaisanyo tsa bodiragatsi ke go supa bokgeleke jo bo farologanyeng e bile bo faphegile jwa ngwao e le gone go rotloetsa mowa wa tshwaragano le go tsholetsa serodumo sa lefatshe leno sa badiragatsi. A re se se botlhokwa ke go ribolola talente e e fitlhegileng mo teng ga Batswana ka kakaretso, e e ka ba isang golo gongwe isago le gone go tlhabolola mhama wa bodiragatsi ka go supa dikitso tse di farologanyeng le ngwao e e nonneng. Mo dikgaisanyong tseo, mo go bo DJ maemo a ntlha a ne a ya kwa go Amstrong, a latelwa ke DJ Skul le Dj Skhebo. Mo go bone wa maemo a ntlha le a bobedi ba ya go gaisana le ba bangwe kwa dikgaisanyong tsa makgaola kgang kwa Gaborone fa wa boraro a ne a atswiwa ka P8 000. Bagaisani ba ne ba tswa kwa Francistown,Serowe le Palapye. Mo go ba ba opelang ka CD bone maemo a ntlha a ne a gapiwa ke Ghetto Gospel Master go tswa kwa Francistown, fa Kelebonye Sehudi a ne a bona maemo a bobedi mme a atswiwa ka P8 000 a latelelwa ke Ookeditswe Rams ka a boraro a ikgapela P5 000. Ba ba neng ba opela e le bone ka sebelebele, maemo a ntlha a gapilwe ke Baiseraele, fa a bobedi a tsewa ke North Jack Angel ene a bone P8 000, fa Tolly a bone a boraro a fiwa P5 000. Ba ditlhopha maemo a ntlha a gapilwe ke Mmabesi Afro Jazz Band, fa a bobedi a ne a ya kwa go The UCM Acapelle a bona P8 000. Wa boraro e boneg Maskandi Dot.Com ene o ne a bona P5 000. Ba maemo a ntlha botlhe ba ya go gaisana kwa makgaolakgannyeng a dikgaisano tsa letsatsi la ga Tautona fa e se fela bo DJ ke bone go tsamayang wa ntlha le wa bobedi. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Bogodu jwa leruo bo apesitse Gakgatla kobo ka letshoba Kgosi Lenyetse Moshapa wa Gakgatla o tlhalositse fa ba sa robadiwe ke bogodu jwa leruo jo bo golelang pele mo motseng wa bone. Mo potsolotsong le O supile fa bontsi jwa dikgomo tse di utsuwang, di tlhabelwa fela mo nageng mme morago di rekisetswe beng ba dibuchara mo mafelong a mabapi le motse wa Gakgatla. O ne a supa fa e rile mo dikgweding tse pedi tse di fetileng ga tshwarwa monna mongwe wa selaga kwa Gaborone mo kgaolong ya Broadhurst. Kgosi Moshapa a re dihutshane tse di tshwanang le dipodi le tsone di utswiwa ka bontsi. O supile fa go utswiwa thata dipodi tse di namagadi mme a re seo se ka tswa se rotloediwa ke go bo go na le mananeo a puso jaaka la nyeletso lehuma, selo se a tlholositseng fa bangwe ba itirile gore ba ka rekisetsa puso dipodi ntswa ba sena le tsone. A re jaaka puso e reka dipodi mo bathong go thusa ba ba tsereng mananeo, go botlhokwa gore e nne e sekaseka pele go netefatsa fa motho yo ba rekang mo go ene dipodi e le tsa gagwe. Kgosi Moshapa o ne a tlhalosa gore ntswa magodu ao a di tsaya motshegare, go thata go lemoga gore motho o a bo e le legodu ka jaana dipodi di sena ditshipi, selo se a kaileng fa se ba direla tiro thata go ka ba tshwara. “Magodu ao a pega dipodi a bo a ya go di kwadisa kwa metseng e mengwe ka jaana di kgona go kwadisiwa gongwe le gongwe,” Kgosi Moshapa a tlhalosa. A re go ka nna botoka fela fa dihutshane di ka kwadisiwa kwa metseng e beng ba tsone ba nnang kwa go yone, a supa fa seo se ka thusa mo go laoleng bogodu. Mo go tse dingwe Kgosi Moshapa o ne a tlhalosa fa ba tshwenngwa ke tiriso e e kwa godimo ya motokwane mo motseng wa gagwe. A re mo nakong eno tiriso ya setlhatshana seo e itsa banana ba motse go itshetsa, a kaya fa go sena sepe se ba se itirelang ka jaana ba nna mo bojalweng gammogo le go inaakanya le ditiro tsa borukutlhi. O tlhalositse fa a setse a ikuetse mo go ba sepodisi go tla go mo thusa ka twantsho tiriso ya motokwane mo motseng, a kaya fa motho a le mongwe a setse a arabetse molato wa gagwe. “Bangwe ba setse ba tshwerwe mme dikgang tsa bone di santse di eme fela jalo. Ke selo se se tshwenyang fela thata ka gore masupi a tloga a nyelela,” Kgosi Moshapa a tlhalosa. crime_law_and_justice 1 Banana ba Malwelwe ba maoto a tshupa Kwa motseng wa Malwelwe mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, bogogi jwa motse bo tshwentswe ke go nna maoto a tshupa ga banana mo ditirong tsa motse le go sa tseye ngwao ka tlhwaafalo. Fa a bua mo puisanong bosheng, Kgosi Bokau Tobe o boletse fa motse wa Malwelwe o ka seka wa bewa ke ope mo mmepeng fa e se banni fela, bogolo jang banana. A re motse o saletse kwa morago ka jalo o kopa morafe go tsaya karolo mo ngwaong, go aga ditlhopha tsa metshameko, dikhwaere le mmino wa Setswana go ikgapha mo bogananeng. O nankotse setlhopha sa mmino wa Setswana sa Dintsu tsa Malwelwe e le nngwe ya digauta tsa motse oo mme a tlatsa ka go supa fa setlhopha seo se thubega ka banana ba sa tseye karolo go se tiisa. A re ka tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng, banana ba ka bo ba tsaya marapo go tsweledisa fa bagolo ba bone ba tlogetseng teng mo ngwaong le setlhopha se. A re Dintsu tsa Malwelwe ke setlhopha sa mmino wa Setswana sa popota se se neng se itsege thata ka dinako tsa maloba. A re go dira ka bokgabane ga setlhopha se, go ne ga baya motse kwa godimo, a tlatsa ka go supa fa mo bogompienong seriti sa bone se nyeletse. Kgosi o kaile fa bagolo bangwe ba Malwelwe ba ka nowa moro jaaka Mme Sekana Kooleboge yo e leng motlhami le moopedi wa pina ya ‘Mahala Ikakanyeng’, ya thulaganyo ya Dipina le maboko gammogo le Kgosi wa pele wa motse, Rre Kagoetsile Satsebe, a tlhalosa fa e le bagaka ba ngwao le mmino wa Setswana. A re banana ga ba ithute sepe mo bagolong ba, ntswa ba na le bokao mo morafeng wa Malwelwe. Fa a tswelela, Kgosi Tobe o ne a tlhalosa Setswana se se reng, ‘kgosi thotobolo e olela matlakala’, a supa fa kgosi e kopanya morafe e bile e rwele maikarabelo a gore morafe o tlotla kgotla le ngwao. A re ga ipone tsapa, ka jalo ke sekai mo morafeng wa gagwe ka e le leloko la Dintsu Tsa Malwelwe. O ne gape a gatelela gore o ikiteile sehuba go ngoka banana go tsosolosa seriti sa ngwao, a supa bojalwa ka monwana a re ke bone mmaba ka banana ba itsalantse le jone thata. O ikuetse mo morafeng wa Malwelwe go tsaya ngwao ka tlhoafalo, a re nako e tsile ya gore banana ba Malwelwe ba eme ka dinao ba tsosolose ngwao le go tsaya karolo mo ditirong tsa botlhokwa. Bokhutlo arts_culture_entertainment_and_media 0 Tlou o gatetse pele ka temo ya ditlhare Mme Goithoma Tlou wa kgotla ya Kgopa-Boseja kwa Thamaga o inaakantse le kgwebo ya temo ya ditlhare. Fa a bua mo potsolotsong, Mme Tlou yo o dingwaga di masome a supa le bongwe, o tlhalositse fa a tswa kgakala a rata ditlhare, ka jalo a tsaya tshwetso ya go itshetsa ka tsone. A re o simolotse go rata ditlhare nako e e neng e le morutabana ka ngwaga wa 1982, mme ka nako eo a di lemela go kgabisa lelwapa la gagwe. O tlhalositse gore morago ga go tlogela tiro ka bogodi, o ne a tlhagafalela go di lema ka bontsi gore a rekise. Mo nakong ya gompieno, Mme Tlou o lema ditlhare ka mefuta ya maungo, mekgabisa le meriti. O tlhalositse fa ditlhare di tlhoka lerato, ka jalo o di lekola phakela mongwe le mongwe a bo a di nosetse le go di tlhagolela. A re se, se mo fa sebaka sa go lemoga makoa a tsone le go itumela ga tsone. A re go tlhokomela ditlhare ke tiro e ntsi mme ka ele selo se a se dirang letsatsi le letsatsi, go motlhofo mo go ene. Mme Tlou o tlhalositse gore kgwebo e tsweletse sentle ka a setse a na le bareki mme e bile o bona dipoelo tse di nametsang. A re letsatsi la bagwebi ba ba botlana la ba lekalana la Local Enterprise Authourity (LEA) le le nnang kgwedi le kgwedi kwa marekisetsong a Mafenyatlala kwa Molepolole le tsweletse ka go motswela mosola mo kgwebong ya gagwe ka a bona dipoelo tse di nametsang go feta malatsi otlhe. O tlhalositse fa letsatsi leo le mofa sebaka sa go ithuta mo bagwebing ka ene, ka ba neelana maele, ditlhotloetso le botsipa jwa go tsamaisa kgwebo ya bone. Le fa gontse jalo a re o lebanwe ke dikgwetlho tse di akaretsang go tlhaela ga metsi, ditshidi tse di jang ditlhare ga mmogo le kgaisanyo ee kwa godimo ya bagwebi ba temo ya ditlhare. Mme Tlou a re maikaelelo a gagwe ke go nna le tshingwana ya ditlhare e kgolwane gore a tle a kgone go rekisa mefuta ya ditlhare ka bontsi le go thamela banana ditiro. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Mapodisi a ntsha setopo mo nokeng Mapodisi a Sehithwa a ntshitse setopo sa rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le bobedi mo nokeng ya Lake Ngami. Mookamela mapodisi a Sehitwa, Superintendent Zakes Masike o rurifaditse se mo potsolotsong, a tlhalosa fa rre yoo, e le motshwara ditlhapa mme a ne a nyelela ka Labotlhano a le mo tirong ya gagwe ya letsatsi le letsatsi ya go tsoma ditlhapi. A re, badiri ka ene ba boletse fa a ne a tsena mo nokeng ka nako ya bobedi mme a tsena ka ga re itse. O tsweletse a tlhalosa fa e ne ya re ka Matlhatso ba begela ba sepodise go ba tshologa mokgosi ka go ne go sa supagale fa rre yoo a tla boa. Superintendent Masike a re ba ne ba kuela mokgosi kwa go ba sesole mme ya re ka letsatsi la Tshipi ba kgona go ntsha setopo sa rre yoo mo nokeng ka nako ya 1030hrs. A re, ke tiragalo ya ntlha e diragala morago ga gore letsomo la ditlhapi le rebolwe kgwedi eno e rogwa. O ikuetse mo batshwaring ba ditlhapi go nna podi matseba ka jaana noka ya Lake Ngami e le borai mo matshelong a bone. A re, ba tshwanetse ba tsena ba le segongwana mo teng gore fa go ka diragala sengwe ba bangwe ba kue mokgosi go sa le nako gore ba thusiwe ka bonako. E re dikgang di eme jalo, ngogola ba sepodise ba ne ba bega fa ba ne ba kwadisa dintsho di le tlhano tsa batho ba ba nwetseng mo nokeng eo. Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Badirelapuso ba kolota komiti ya dithabololo Badirelapuso ba ba direlang kwa motsing wa Mookane mo kgaolong-potlana ya Mahalapye, go bolelwa fa ba kolota komiti ya ditlhabololo tsa P43 000. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Oagile Mofokeng, a re bontsi jwa batho ba ba nnang mo matlong a VDC, mme ba sa kgone go duela sentle ke barutabana ba sekole se segolwane sa Mookane, mapodisi ga mmogo le baoki. Rre Mofokeng o tlhalositse mo potsolotsong gore bangwe ba badirelapuso ba ba kolotang komiti ya gagwe ba fuduseditswe kwa dikgaolong di sele ka tiro, mme a bolela fa seo se ba ketefaletsa go ikgolaganya le badiri bao. A re ka ntlha ya go tlhoka go duela boroko sentle ga barutabana, mapodisi le baoki, ba retelelwa ke go dira ditlhabololo. Le fa babegadikgang ba sa kgona go ikgolaganya le mogolwane wa kokelwana ya Mookane le mogokgo mabapi le kgang e, gone mogolwane wa sepodisi kwa Mookane, Sub Inspector Norman Ntena o boletse fa e le boammaaruri badiri bangwe ba kolota VDC. E rile Rre Mofokeng a itebagantse le madi a a tlaa abelwang dikgaolo tsa botlhophi, a bolela fa Mookane A abetswe P1.3 million yo o tlaa dirisiwang go aga matlwana a borutelo a le mabedi mo sekoleng se sebotlana le go tsenya dipone mo motsing. A re dingwe tsa ditiro tse komiti ya gagwe e tlaa di dirang ka lenaneo la Ipelegeng mo ngwageng wa madi wa 2017/18 ke kago ya maobo mo dikgotlaneng, go tokafatsa seemo sa ditsela mo motsing, go ntsha ditlhare mo ditseleng tse di yang kwa masimo le go shafatsa community centre. Rre Mofokeng a re le ntswa ditiro tsa Ipelegeng di tsamaya sentle, o tshwenngwa ke tiego ya go neelwa dikatso ga maloko a komiti ya ditlhabololo le mororo ba dirile tiro ka botswerere e bile ba tsena diphuthego tsa komiti ka fa tshwanelong. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Lekgotlana le kopiwa go fefogela dikopo Mokhanselara wa Sedie kwa Maun, Rre Kaukapita Kaukapita, o kgaletse lekgotlana la kabo ditsha la Maun se a reng ke go baya kgaolo ya Maun Bophirima ka fa mosing mo ditlhabololong. Rre Kaukapita a re seo se dirwa ke gore lekgotlana leo le sega mealo ya ditsha tse disha kwa Maun Botlhaba fela, kwa a reng ditlhabololo tsotlhe di isiwa teng. O buile jalo fa a tshwaela mo pegong ya modulasetilo wa lekgotlana la kabo ditsha kwa Maun bosheng. Rre Kaukapita o ne a gwetlha ba kabo ditsha gore ba dire melao kwa Maun Bophirima gore ditlhabololo di oketsege. Modulasetilo wa lekgotlana la kabo ditsha la Maun, Rre Obusitswe Ntirelang, ene o ne a re o lebogela kgakolo eo, ebile a supa fa lekgotlana leo le le mo tirong ya go sega mealo ya ditsha kwa Maun Bophirima. A re tiro eo e bonya ka go bo maikaelelo ke go baya banni ba mo gare ga Maun ba ba amiwang ke phuduga go sutela ditlhabololo. O ne a supa fa go tlaa dirwa ditsha tsa bonno le tsa dikgwebo kwa dikgotleng tsa Moeti, Maphane le Botshabelo tse di welang kwa kgaolong ya Maun Bophirima. Rre Ntirelang o ne gape a begela khansele potlana ya Maun fa lekgotlana la kabo ditsha le le mo maitekong a go lwantsha tiego ya go bewa ga ditsha tsa bonno kwa Maun le metse e e mabapi. A re ba bakanoki ba kaboditsha ba tsweletse ka go dira mealo mo Maun, mme go solofetswe ditsha tsa bonno di ka tshwara makgolo a ferabongwe kwa Maun. A re ba solofetse ditsha di ka tshwara dikete tse tharo kwa Sexaxa. Le fa gontse jalo, Rre Ntirelang o ne a supa fa lekgotlana la kabo ditsha le babalelwa ke madiadia a tsa ba ba sekasekang boleng jwa lefatshe. A tlatsa ka gore kwa Sexaxa go na le kgwetlho ya gore lefatshe la bonno le filwe ba masimo ka jalo banni ba tshwanetse go fiwa phimolo dikeledi pele. Rre Ntirelang o ne a nankola fa kwa Sexaxa go na le baikopedi ba ditsha ba le 791, Maun ba le 24 000, mme Matlapana ba le 2 693. Mokhanselara wa Boyei, Rre Kebonyekgotla Ntlogelang, ene o ne a lebogela lekgotlana la kabo ditsha la Maun go tsaya kgato go begela khansele ka seemo sa kabo ya lefatshe kwa kgaolong, sengwe se se ntseng se sa dirwe ka lebaka. politics 7 Makwinja o kopile Batswana go emisa go rekisa lefatshe Mopalamente wa LentsweletauMmopane, Mme Nnaniki Makwinja, o kopile banni ba Kopong go emisa go rekisa lefatshe. Mme Makwinja o buile se mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa Kopong bosheng. A re lefatshe ke letlotlo le le sa tshwanelang go rekisiwa, bogolo jang la temo. Mme Makwinja o kopile banni go tswelela ba lema ka natla gore ba direle lefatshe leno dijo. O ba gwetlhile go dirisa mananeo a puso jaaka ISPAAD le LIMID. Mopalamente a re tse tsotlhe ba ka di kgona fela fa ba na le lefatshe. O tsweletse a tlhalosa gore puso e tlaa dira ka natla go tsisa ditsompelo tsotlhe tse di tlhokwang ke balemisi gore ba dire tiro ya bone ka maatlametlo. Mo go tse dingwe, Mme Makwinja, yo gape eleng mothusa tona wa thuto go tswa kwa moding, o boleletse banni fa puso e le mo lenaneong la go aga sekolo se se botlana mo motseng wa bone go fokotsa mosuke mo go tse di leng teng. O rotloeditse batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana ba bone, a ba a kopa gore ba tlhokomele dikago tsa matlwana a borutelo. Kgosi Mompati Molefe ene o ne a lebogela bokopano joo, a supa fa e le jwa ntlha morago ga ditlhopho. Kgosi Molefe o tlhalositse fa maikaelelo a phuthego e le go lekola morafe le go tla go utlwa matshwenyego a bone, mme a supa fa ba tshwenngwa ke letlhoko la metsi. A re didiba tse di teng ke tsa bogololo, mme ga di sa tlhola di lekana go nosa morafe otlhe ka gore motse o godile. O boleletse mopalamente fa ba na le tlhaelo ya badirela puso, bogolo thata baoki le barutabana. Fa ba ntsha la bone, banni le bone ba ne ba ngongoregela letlhoko la metsi. Ba ne ba ba kopa gape gore tsela ya Metsimotlhabe-Kopong e baakanngwe ba re e baka dikotsi tse dintsi. Ba supile fa ntlo lehalahala ya motse e se mo seemong se se siametseng go dirisiwa, ba kopa gore e baakanngwe e bo e tsenngwe motlakase. Banni ba ne ba kopa gape gore go okediwe badiri ba Ipelegeng, ba bolelela fa ditiro di le dintsi, mme ba ba hirilweng ba sa kgone go di dira. Fa a tsibogela dikakgelo tsa bone, Mme Makwinja o boletse fa a tla a tsaa dikakgelo tsa bone go di isa kwa maphatheng a a lebaneng. society 9 Ba Leshibitse ba a itela Banni ba Leshibitse mo kgaolong ya Kgatleng Bophirima ba lela ka ditlhabololo tse di boutsana mo kgaolong ya bone. Fa ba lekodisa mopalamente wa kgaolo eo, Rre Gilbert Mangole mo phuthegong ya kgotla bosheng, banni ba buile ba sa kgwe mathe ka tiego ya ditlhabololo mo motseng wa bone morago ga gore mopalamente a ba tlhalosetse fa kgaolo e saletse morago mo ditlhabololong bogolo jang ka mo lenaneong la ditlhabololo la Kgatleng go sena sepe se se tla dirwang. Rre Mangole a re e sale ka 2008 lefatshe le amiwa ke kwelo tlase ya itsholelo, palamente e ne ya amogiwa go tsaya ditshwetso tsa ditlhabololo le go rebola madi a tsone mme tsa neelwa khuduthamaga ya ga tautona. A re seo se raya gore taolo ya madi le gore ke dife ditlhabololo tse di dirwang di atlholwa ke khuduthamaga eo go lebilwe madi a a teng ka nako eo. Rre Mangole a re le ntswa ditlhabololo di tlhokega madi ke one mathata mme seo se raya gore kgaolo ya Kgatleng e tlile go goga bokete ka go sena sepe sa ditlhabololo se se mo lenaneong. A re motse wa Leshibitse o mo kgaolong ya mmu o o monate mo temong mme balemi ba dira go tlala ka diatla go ntsha thobo e e nametsang, ka jalo, Rre Mangole a re puso e ne e tshwanetse go dira motse oo boremelelo jwa temo mme e bile go agiwe lefelo la dithuso la temo mo motseng oo mme ka lebaka la madi, kgang eo e saletse kwa morago. A re dikgang di tshwana le paakanyo ya ntlo ya bookelo le go gokela motlakase mo matlong a barutabana di a tshwenya fela thata ka di ama matshelo a batho. E rile ba mo kgwa kgaba, banni ba supa fa ba sa itumelele tsamaiso ya ditlhabololo ka o kare di ganeletse mo dikgaolong tse dingwe fa tse dingwe tsone di le ka fa mosing. Rre Isaac Dikgale a re lefelo la temo le ne le ka ba thusa fela thata ka bone ba itlamile go lema ka tlhoafalo mo kgaolong eo. A re sebe sa phiri ke gore ditlhwatlhwa tsa theko ya thobo di kwa tlase ka jalo di ba nyemisa moko ka jaana ba dirisa ditsompelo tse dintsi go netefatsa gore ba bona thobo e e nametsang. Rre Lebitsang Molefe ene o ngongoregile ka terata ya tsela ya A1a bolela fa e ole ka jalo dikgomo di ronka go kgona le go rata mo go yone mme seo se ba bolaisa madi a dituelo tsa dikatlholo ka jalo a kopa puso gore e tsibogela go e baakanya. Rre Molefe o boletse fa ditshwene le ditholo di ba jela mmidi le ditloo kwa masimo . A re ba lephata la diphologolo ba sale ba ba tshepisa go ba etela go tlhalosa gore ba ka dira eng go hema tshenyo eo mme nako kgolo ke eno. Mopalamente Mangole o tshepisitse banni fa a tla kopa mothusa tona wa temo-thuo Rre Oreeditse Molebatsi go etela motse wa bone go ba tlhalosetsa sentle ka ditlhwatlhwa tsa theko ya thobo ya bone. BOKHUTLO politics 7 Nyeletso lehuma e ka tlodisa Batswana melatswana Mothusa tona wa tsa Merero ya Ofisi ya ga Tautona le Bodirelapuso, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri a re mananeo a nyeletso lehuma a tshwanetswe go emelwa ka dinao ka gore a botlhokwa mo matshelong a Batswana. Mothusa tona o buile mafoko ao fa ane a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Metseng ya East Hanahai, West Hanahai le Newxade bosheng a re mananeo a nyeletso lehuma fa a ka emelwa ka dinao ka ngwaga wa 2016 matshelo a Batswana a tlaabo o tokafetse. Mothusa tona o boleletse banni ba metse eo gore ba itse gore mangwe a mananeo a nyeletso lehuma ga a tsamaye sentle jaaka a ditshingwana tsa merogo ntateng ya gore bangwe ba banneng ba tsere lenaneo leo bane ba kgaolelwa metsi. Rre Matlhabaphiri a re metsi ao ane akgaolwa ka gore bangwe bane bana le melatsa ya bogologolo jaanong ga batla go simolola ditshingwana tseo ditlhwatlhwa tsa metsi tsaya kwa godimo. Mothusa Tona oboleletse banni bao fa Ofisi ya ga Tautona e kopanye le maphata a lebanyeng go dira dithulaganyo tsa gore metsi ao a bulwe gore ditshingwana tsa merago di simolole go bereka. A re ofisi ya ga Tautona e lemogile gape ga gona le tlhaelo ya bodiredi jaaka bagokaganye le dikoloi mme batla leka ka bojotlhe gore go hirwe bodiredi jwa gonna jalo le go batla dikoloi tsa di lebaganye le mananeo a nyelesto lehuma. Mothusa Tona one a kopa banni ba metse eo go kwadisa bana le bogole kwa dipateleng tsa bone gore bakgone go bona dithuso tse di bonwang ke motswana mongwe le mongwe. A re Tona wa tsa Merero ya ofisi ya ga Tautona le bodirelapuso Rre Mokgwetsi Masisi otla isa molao o itebagantse le bana le bogole kwa Palamenteng gore bakgone go bona sengwenyana tse baka itshitsang ka sone. A re molao oo fa Palamente e ka odumela goraa gore bana le bogole batsela go bona sengwenyana ka ngwaga wa 2014/2015. A re batsadi batshwanetse go ema ka dinao bakwadisa bana le bogole ka dipalo tse di kwa godimo. Mothusa Tona one akopa gape banni ba metse eo go itlhatlhobela magari wa hiv/aids le go ikgapha mo bolwetsi jwa aids. A re go tlhakanela dikobo o sa itshireletse go oketsa mogari wa hiv/aids. Rre Matlhabaphiri okopile banna go dirisa lenaneo la loaro lwa bonna go thibela mogari wa hiv/aids le malwetsi mangwe le magwe a dikobo.a re loaro loo lo thusa fela thata. Erile banni ba Metse eo ba akgela ba bolelela mothusa Tona gore mananeo a nyeletso lehuma a bereka sentle kwantle ga ditshingwana tsa merego ntateng ya gore bontsi jwa batho ba lenaneo leo metsi a kgaotswe. Banni ba supele fa mananeo a go dira ditina,la go apaya borotho le go roka dipaka tsa dikolo a tsamaya sentle ebile ba solofetse go roba sengwenyana ka gore le yone khansele e ba eme nokeng ka go reka dilwana tsa bone. Banni bao bangongoregile thata ka mananeo a banana gore ga baswele molemo ka gore ba palelwa ke go tlatsa dipampiri tsa one. A re bontsi jwa banana mo metseng ya bone ga ba se ba bone dithuso tsa banana. Banni bao ba kopile Mothusa Tona go emela kgang eo ka dinao ka gore banana ba metse eo ba batla dithuso tseo gore bakgone itshitsa ka tsone. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Dirisang ISPAAD go ntsha dijo tse di lekaneng - Badubi Mogolwane wa ditlhotlhomiso le dipatlisiso mo lephateng la temo-thuo mo Mahalapye, Rre Slumber Badubi, a re go mo maruding a Batswana go dirisa lenaneo la ISPAAD go ntsha dijo tse di ka jesang tshaba ya lefatshe leno. Rre Badubi o boletse mo dithuto-puisanong tse di neng di tsenwe ke balemi-barui ba meraka le masimo a Mogolori, Thuparobega, Letlhakane le Mmalegare bosheng gore le ntswa mmuso o ikemiseditse go thusa balemi ka ISPAAD go inaakanya le temo ya segompieno ya go lema ka ditselana le go dirisa menontshane go nonotsha dijwalo, o swabisiwa ke go bona batho bangwe ba santse ba goga dinao go dirisa lenaneo leo. A re le ntswa temo-thuo e le konokono ya botshelo jwa Motswana, o swabisiwa ke batho ba e reng puso e sena go dirisa madi a setshaba go ba lemela ba phuaganye masimo go ya go batla mmereko mo Ipelegeng le ntswa lenaneo leo e le la nakwana. Rre Badubi o rile fa Batswana ba ka ikemisetsa go dirisa metlhala ya segompieno ya go lema ka ditselana le go dirisa menontshane, lefatshe leno le ka kgona go ntsha dijo tse di lekaneng e bile a bolela fa seo se ka thusa mmuso go emisa go dirisa madi a mantsi go reka dijo kwa mafatsheng a mangwe. O rotloeditse balemi-barui go emisa mokgwa wa go tsenya dikgomo mo masimo ka maikaelelo a go jesa lotlhaka ka jaana go dira jalo e le go senya boleng jwa masimo ka jaana medi ya lotlhaka e thusa mo go kgoreletseng mmu go gogolwa ke metsi. E rile modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Palla-road, Mme Segametsi Mangope a simolodisa dithutopuisano tseo semmuso, a kopa balemi go ipopa ditlhopha tse ka tsone ba ka kgonang go kopa dithuso mo mmusong. A re go ngomola pelo go bona batho ba phuaaganya masimo go ya go batla tiro mo Ipelegeng ntswa puso e dirisitse madimadi go ba lemela masimo a a ka ba ntshang mo lehumeng. Mme Segametsi o rotloeditse balemi-barui go isa mebu ya masimo kwa lephateng la temo-thuo go ya go tlhatlhojwa go bona gore a e santse e na le boleng. Mo dithuto puisanong tseo, tse di neng ditshwaretswe kwa Mogolori, barui ba ne ba ngongorega ka bolwetse jwa mabele jo ba tlhalositseng fa bo kgoreletsa dikgomo tsa bone go rekwa ka ditlhwatlhwa tse di nametsang kwa BMC. Ba re e le balemi-barui ba tshwanetse go aga matlwana a boitiketso kwa merakeng le masimo go leka go thibela bolwetse jwa mabele ka jaana bo koafatsa boleng jwa loruo. Modulasetilo wa komiti ya balemi-barui, Rre Phang Gaorengwe o boletse fa maikaelelo a dithuto tseo e ne e le go abelana megopolo le go ruta balemi-barui ka tiriso ya di-tswa temong jaaka lotlhaka, marotse le moroko tse di ka dirisiwang go jesa loruo ka dipaka tsa leuba. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Barekisi ba re ga ba itse mananeo a dithuso Bagwebi ba majalwa a setso kwa Gumare ba boletse fa ba ne ba sa itse fa go na le mananeo a mangwe a itshetso a a ka ba ntshang mo lehumeng kwa ntle ga go rekisa one majalwa. Ba boletse mo dithuto puisanong tse di neng di rulagantswe ke mokgatlho wa Women Against Rape (WAR) kwa Gumare maabane gore, ere ka ba sa le ba simolotse go itshedisa ka go gweba ka thekiso ya majalwa a setso ke gone ka moo ba tsayang gore ke one fela mothale wa itshetso. Mme Pono Mothibi wa mogwebi wa majalwa, a re o sale a simolotse go gweba ka majalwa a setso a akaretsa khadi le chibuku go tloga ka ngwaga wa 1996 morago ga polao ya dikgomo mo kgaolong ya Nhabe ka maiteko a go nyeletsa bolwetse jwa lekgwafo ka go bona gore go thata, e a reng ka yone o kgonne go tsenya bana ba gagwe sekole le go dira ditiro tse dingwe tsa mo gae. “Tota ke hakgamaditswe ke go utlwa gotwe puso e kgona go neela motho madi go itlhamela ditiro jaaka go foroma setena, go apaya borotho le gone go roka tota,”Mme Mothibi a tlhalosa jalo. A re, e rile puso e tla ka molao wa go laola thekiso ya majalwa a setso mo malwapeng a tsaya gore puso e leka go fedisa majalwa a setso fela ka gore o ne a sa tlhaloganye fa go na le mananeo a mangwe a itshetso a puso e a neelang setshaba mahala. Mme Gakekgatlheope Morotsi a re ka ntata ya go tlhoka kitso ke gone mo go ba digetseng mo lemeneng la go rekisa bojalwa botshelo jotlhe a bo a supa gore morago ga dithuto tseo o tla a inaakanya le maphata a a tshwanetseng go mo thusa. Bomme bao ba iteetse legofi mokgatlho oo ka go ba tsisetsa dithuto tse di ba butseng matlho ba bo ba kopa gore ba tswelele ka go tsibosa morafe wa kgaolo ya Nhabe ka bophara gore mo isagong bangwe ba tswe mo kgwebong ya majalwa go inaakanya le mananeo a mangwe a itshetso. Mongwe yo o lobileng maina a gagwe ebile a bua a putsaputsa dikeledi mo matlhong a gagwe, o boletse mo potsolotsong gore, o utlwa botlhoko go bo a nnile le seabe mo go rotloetseng dilo tse di sa siamang mo motseng wa gagwe ka go rekisa bojalwa jo bo felelang bo ntsha batho mo sethong. Bagwebi bao ba dule ka moono wa go tlhama mokgatlho go nna lentswe la bone, go rekisa majalwa a setso ka tlhotlhwa e e tshwanang, mme ba kopa makgotla a tshwana le leo le puso go tswelela ka dithuto tsa mofuta oo go leka go sokolola le go lemotsha batho ka botlhokwa jwa go sa ikaegeng ka kgwebo ya majalwa fela go tshaba ditla morago tse di sa siamang. Lefa gontse jalo, maloko a VDC ba kopile bagwebi bao go ipopa setlhopha le gore go nne le lefelo la marekisetso a majalwa a setso kwa bagwebi ba tlaa ntshang lemmenyana le gore setlhopha se letlelelwe go rekisa selekanyo sa sekupu sa dilithara tse di masome a mabedi le botlhano fela ka letsatsi. Ba bile ba supa matshwenyego ka itontelo majalwa e e feteletseng e felela e baka tlhakanelo dikobo e e sa sireletsegang le kanamo ya malwetse a bo HIV/AIDS le a mangwe ga mmogo le kgokgontsho ya bomme le bana mo motseng wa bone. E ne e rile pele, motlhatlhelela dithuto wa mokgatlho oo, Rre Gabalape Tauejele a bolela gore maikaelelo a dithuto tseo ke go tsibosa morafe ka botlhokwa jwa go fokotsa dino tagi, kgokgontsho ya bomme le bana le kanamo ya bolwetse jwa HIV/AIDS ka maikaelelo a go tsosolosa kagiso le thitibalo mo malwapeng a Setswana jaaka go ne gontse goo lowe. A re, e re ka dintlha tse tharo tseo di gokaganye ke gone ka moo go tlhokafalang gore morafe o tle ka maano a motiya a go leka go di lwantsha mo metseng ya bone. A bo a gwetlha bagwebi bao go tla ka megopolo e mengwe ya itshetso go na le go ikaega fela ka ya thekiso ya majalwa. “Nkutlweng sentle, ga kere lo seka lwa gweba ka majalwa ka jaana lo sale lo itshetsa ka one, mme fela batlang maano a mangwe a itshetso ka go dirisa mananeo a puso go itshetsa ka one,” a gatelela jalo. economy_business_and_finance 3 Temo thuo e mosola mo itsholelong Tona wa temo-thuo Rre Patrick Ralotsia a re temo-thuo e na le seabe sa botlhokwa thata mo itsholelong ya lefatshe le ya malwapa. Rre Ralotsia o buile jalo kwa ipelelong letsatsi la balemi e rulagantswe ke lekgotla la balemi ba ba lemelang thekiso kwa Maokane ka mafelo a beke. A re temo-thuo ke yone modi wa metswedi e mengwe ya itsholelo ka e tlhama ditiro mme ke gone ka moo puso e dirang gotlhe mo e ka go kgonang go tlhama mananeo a e kareng kwa bofelong a tla ka tharabololo ya letlhoko la ditiro. O boletse gore puso e ineetse mo go tlhatloseng temo-thuo ka mananeo a a farologaneng jaaka ISPAAD, LIMID, ASSP le lenaneo le lesha go simolodisiwa la go rudisa itsholelo. Rre Ralotsia a re puso e dira se ka gore e na le tshepho ya gore mhama o o ka ntsha dijo tse di lekaneng tse di tlhokwang ke batho le lefatshe. Tona a re gape goromente o ikaeletse go thusa balemi-barui ba ba supang fa ba tlhwaafaletse tiro ya bone mme a rotloetsa barulaganyi ba moletlo oo go o tlotlomatsa thata go fitlhelela o tsena mo seemong se o ka nnang bontlha bongwe jwa ditiragalo tsa bojanala jwa tmo-thuo. A re go dira jalo go tlaa dira gore go nne le temo-thuo e e tswakantsweng, ka jalo e godisa itsholelo ya lefatshe leno. Rre Ralotsia o tsweletse ka go tlhalosa gore temo-thuo e tlhokana le boineelo le lorato mme batho ba tshwanetse go tlhaloganya pharologano fa gare ga batho ba ba ratang temo-thuo le ba a reneg ba e dira ka nakwana. O boletse gore balemi-barui ba nakwana ga ba ke ba felela kgakala le yone fa balemi-barui ba nnete ba itse se ba se batlang le se ba tshwanetseng go se dira, a tlatsa ka gore temo-thuo ke tiro ya bosigo le motshegare. A re sengwe se batho ba tshwanetseng go se itse ka temo-thuo ke gore ga se tiro ya sephiri, mme ke tiro e e kopanetsweng, e go amoganwang dikitsiso le dikitso, megopolo le dikgwetlho. Tona a re temo-thuo ke fela gore motho o bulegetse ba bangwe go le kae ka kitso ya gagwe, ke gone ka moo moletlo oo, o rulagantsweng ke barui ba le bane ba ba kopaneng go abalana megopolo le go supa tse ba di dirang. Moletlo oo ke mogopolo wa borre Thapelo le Thebe Setlalekgosi, Phenyo Nthase le Sonny Mokgadi. Borre ba bane bao ba ne ba kopanngwa ke lerato la go tsholetsa seemo sa temo-thuo kwa merakeng le masimo. Rre Ralotsia a re letsatsi la balemi la Mookane le le simologileng dingwaga tse tharo tse di fetileng ka fa tlase ga setlhogo se se reneng “Go rua dikgomo mo mafelong a a tlhakanetsweng” se salwa morago ke se se reng “masimo le moraka di kopane” di supa gore meono e yotlhe e supa boikemisetso, keletso e kgolo ya go atlega le tebelopele ya basimolodi ba lone. A re go a bonala fela gore moono wa bone ga se fela go ntsha dijo, mme gape ba lemoga seabe sa bone sa gore ba botlhokwa thata mo go ntsheng tsotlhe tse di tlhokafalang mo madirelong a temo-thuo. O ba tlhomamiseditse gore puso e tlhokana le batho ba ba tshwanang le bone ba ba ka isang lefatshe leno kwa pele gore le fetoge mo go nneng le le rekang dijo, mme boemo jwa moo,e nne le le di rekisang, mme ka jalo, puso e tlaa tswelela e ba ema nokeng. Gape o ba boleletse gore se ba se dirang, ga se tokafatse itsholelo ya lefatshe fela, mme gape se neela lefatshe leno seriti. Rre Ralotsia o tlhalositse fa dipula tse di netseng morago mo ngwageng eno di amile thata dijwalo, mafudiso, metsi mme ka mabaka a kwelotlase ya itsholelo, a kopa balemi-barui go tla ka ditsela tse di ka ba thusang go oketsa tse ba di ntshang. A re jaaka go itshupile ka moono wa ngwaga eno,temo-thuo ke nngwe ya maiteko a puso a go tokafatsa tsamaiso ya lefatshe la temo-thuo. O boletse gore Batswana ba le bantsi ba abetswe lefatshe la temo jaaka masimo le dipolase mme ga ba kgone go di dirisetsa ditiro tse dingwe gape go tswakanya temo-thuo fa ba leng teng ka jalo lefatshe ga le dirisiwe sentle go ntsha maduo a a kwa godimo. A re mofuta wa temo-thuo e e tlhakantseng e kgontsha molemi-morui go dira dilo tse dintsi mo lefelong le le lengwe fela, a dirisa ditsompelo kana meamuso e le mengwe fela jalo go fokotse ditshenyegelo. A re gape go kgontsha molemi-morui go dirisa gape kana go sola molemo tsotlhe tse di tswang mo temong ka jalo go fokotsa go rekela ruri. Ka jalo o kopile balemi-barui go inaakanya le temo ya segompieno go oketsa go ntshiwa ga dijo mo masimong le meraka. Kwa bofelong, tona o akgoletse kemonokeng e e supilweng ke mhama o o ikemetseng ka nosi, ka go duelela moletlo oo, a tlatsa ka gore fa mhama o o ikemetseng o ema nokeng ntsho ya dijo, itsholelo e a tsogologa. BOKHUTLO society 9 Bomme ke pinagare Bomme ba kailwe fa e le bone pinagare mo makgotleng ka go farologana. Mafoko a a builwe ke molalediwa, Mme Keboadile Sekwababe, mo pulong ya moletlo wa bokopano jwa bomme ba kereke ya Bautwi Ba Lefoko Zion Church of God, e e neng e tshwaretswe kwa Moletemane ka Matlhatso Mme Sekwababe a re seabe sa bomme mo dikerekeng se a bonala e bile ke bone ba e tshegeditseng ka go tlhwaafalela tse ba di rongwang. Bomme ba Bautwi Ba Lefoko ba agetse ba lelwapa la ga Mme Mmatsatsi Josaya ntlwana ya boitiketso kwa Moletemane, ka jalo Mme Sekwababe a supa fa maiteko ao a tshwanetse go iteelwa legofi. A re go tsenya letsogo mo ditirong tsa setshaba jaaka go thusa ba ba tlhokileng lesego, go tlaa tiisa bomme ba kereke moko. Mme Sekwababe a re bomme ba tshwanetse go nna le seabe se segolo mo go ageng botho jwa bana le go ba ruta poifo Modimo. O lebogetse bomme ba kereke eo go tshegetsa bokopano, a re seo se ba fa sebaka sa go itshekatsheka le go tswa ka maano a gore kereke ya bone e ka godisiwa jang. Mme Sekwababe o abetse kereke eo P1 000 go ikgodisa mo ditirong tsa yone.Mookamedi wa kereke ya Bautwi Ba Lefoko, mookami Pogiso Modikwa, o supile fa bomme mo kerekeng eo ba gatetse pele, a tlatsa ka go re kereke eo e neetse bomme boikarabelo fela jaaka borre, a supa fa bomme bangwe e le baruti le dibishop mme a supa fa ba na le bokgoni jo bogolo. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Masisi o rola Kwerepe kwa Ngami Puso e e eteletsweng pele ke phathi ya Domkrag e ikaelela gore fa nako e ntse e tsamaya e oketse palo ya theko ya dikgomo mo kgaolong ya Ngami le gone go atolosa matlhabelo a dikgomo fa setshaba se ka tswelela se e tlhopha. Se se builwe ke mopalamente wa Moshupa wa phathi eo ebile e le motshwarelela Tona ya Thuto Rre Mokgweetsi Masisi kwa tholong semmuso ya ntlhopheng yo o emetseng bopalamente wa Ngami Rre Thato Kwerepe ka Matlhatso. Rre Masisi a re maikaelelo a mangwe ke gone go bona gore ba leka tsotlhe tsa go ka bona gore a matlhabelo a dikgomo a a kwaMaun, a dira thulaganyo ya gore a go ka kgonagala gore nama e e silwe, e tsenngwe mo dithining le go rekisiwa, e le gone go leka go thusa banni ba Ngami ka e le balemi barui. O tlhalositse gape gore o itemogetse gore kgaolo ya Ngami e wetswe ke leuba mme e le puso e busang, ba leka ka bojotlhe go ntsha mananeo a a nyeletsang lehuma. Rre Masisi o buile gore e le puso, ba eletsa gore kgaolo ya Ngami e tlhabologe, ka jalo go botlhokwa gore fa ba tlhopha ba tlhophe kemedi e tshwanang le Rre Kwerepe. O file sekai sa gore dingwaga tse tharo tse di fitileng mo kabong ya madi, kgaolo e ntse e neelwa madi a kana ka P2 million ngwaga le ngwaga e le go leka go nyeletsa lehuma, mme o tlhalositse gore phathi e e busang, e tshwana le leru le sireletsa mo letsatsing. A re phathi e e busang e beile matshelo a babereki ko pele ka e rile mo bosheng ba ba okeletsa madi, e le sesupo sa gore le fa itsholelo e santse e le ko tlase, ba kgonne go ba akanyetsa. O tlhalositse gore bone ke puso e kgathalang ka tlhokomelo ya masiela, difofu. bana le bogole ka mananeo a nyeletso lehuma a le teng. Rre Masisi o tlhalositse gore maitlamo a bone e le phathi e busang ke go akanyetsa Motswana le pele a tsholwa. O tlhalositse gape gore fa phathi e busang e ka tswelelwa e tlhophiwa, ba tla dira lenaneo la gore go jewe tse di lemiwang mo kgaolong. Rre Masisi o file sekai sa gore ba ka reka maphutshe, mme ga nna le ditshilo tse di silang le one mmidi, e le go thusa go atswa batho ba sa latlhe le ngwao ya se ba sejang mo kgaolong. E rile a tswa la gagwe, Rre Kwerepe, yo o tlaabong a phadisanya le wa phathi ya Kganetso ya Botswana Congress, Rre Taolo Habano, o tlhalositse gore puso ya domkrag e tlhabolotse lefatshe mo mongwe le mongwe a iponnang ka matlho. O supile gore phathi e na le maitlamo le mananeo a go itse gore ba direla setshaba eng mme o supile gore phathi e busang e tswa kgakala e lwela ditshwanelo tsa batho mme go le botlhokwa gore setshaba se mo tlhophe se mo ise palamenteng. Rre Kwerepe o kgadile diphathi tsa kganetso a re bone e le phathi e busang ba somarela bojanala fela thata mme ga ba bone go le botlhokwa gore lekadiba la Ngami le agelelwe. O supile gore phathi e e busang e tseela thuto kwa godimo ka e le mongwe yo o rutwileng ke phathi e, mme gape a kgona le gone go ruta bana ba sekolo. Rre Kwerepe o tshwaetse gore phathi e busang ya Domkraga e kgathala thata ka banana mme ba tlaa tswelela ba ba tlhokomela ka e le bone isago ya lefatshe la Botswana. politics 7 Dibuka konokono mo tsamaisong ya kgwebo Batswana ba rotloediwa go innakanya le lekalana la LEA, go anywa bogakolodi le tsamaiso ya dikgwebo tsa bone gore di tle di kgone go ba solegela molemo mo go tokafatseng matshelo a bone. Katlego ya kgwebo nngwe le nngwe e ikaegile ka bophepa le dibuka tsa kgwebo tse di kwalwang, go supa ka fa kgwebo e dirang ka teng. Mme Josephine Gasejewe ke mongwe wa bagwebi ba ba neng ba tsaya kgato ya go etela lekalana la LEA mo Tsabong go kopa dikgakololo, a sena go bulelwa semausu la bobedi ke ba LEA Social Club ko motseng wa Maubelo. Mo potsolosong le A re e ne ya re monongwaga ka Tlhokole, ba LEA Social Club ba diragatsa lefoko la Baebele le le reng go sego letsogo le le abang, ba mo abela setoko sa P3 900. O tlhalositse fa e rile mo nakong ya fa abelwa setoko se, a gakololwa fa go nna le dibuka tsa kgwebo go le botlhokwa mo tsamaisong ya kgwebo nngwe le nngwe, ka se se mo fa sebaka sa go bona ka fa kgwebo e dirang ka teng. Mme Gasejewe a re o tlhaloseditswe fa boitekanelo le bophepa di tsaya karolo e kgolo thata mo mererong ya tsa kgwebo, mme ba bangwe bagwebi ba itlhokomolosa se. A re bareki ba kgatlhegela go reka mo lefelong le le phepa e bile dijo kana dithoto tse direkisiwang e le tsa boleng jo bo kwa godimo. A re e ne ya re morago ga go fiwa semauso gape, a ititiya sehuba go emela semauso sa gagwe ka dinao. Mme Gasejewe a re o ne a ya go kopa bogakolodi kwa LEA ka tsamaiso ya kgwebo e tshwana le ya semausu. O boletse fa a ne a gakololwa go bulela kgwebo ya gagwe buka e mo go yone a kwalang setoko se a se rekileng le se se leng teng pele ga a reka se sesha. A re botlhokwa jwa go nna le buka e go thusa gore mogwebi a kgone go bona fa setoko se tswa le fa se tsena, le gore kgwebo e tsamaya jang, a e dira dipoelo kana jang. Mme Gasejewe o boletse fa e rile go itemogela fa kgwebo e tsamaya ka thelelo morago ga go bula buka, a ithotloetsa go boloka madi a kgwebo morago ga thekiso nngwe le nngwe. O bolotse fa a simolotse pele ka go dirisa Orange Money go boloka madi a kgwebo. A re maikelelo a gagwe ke go bula polokelo madi mo bankeng ya Barclays mo lobakeng lwa kgwedi tse thataro tse di tlang, go itsa go dirisa madi mo dilong tse e seng tsa kgwebo. Mme Gasejewe o tlhalositse fa lebaka le lengwe le le dirileng gore kgwebo ya gagwe e seka ya dira dipoelo ke go fa bareki ba gagwe sekoloto, ba ba feletseng ba palelwa ke go duela. A re mo nakong ya gompieno o ruthuntshitswe le go fiwa botsipa jwa go tsamaisa kgwebo. A re o ikaelela go dirisa matlhale yotlhe e a filweng go tsamaisa kgwebo ya gagwe. A re dikgwetlho tse a di bonang ke ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa dipalamo tse di mo tseelang setoko morago ga theko kwa marekisetsong a Trans le Shoppers. O bolotse fa a leka ka bojotlhe go tila kgwetlho ya bareki ba ba batlang go reka ka sekoloto jaaka a ne a dira go le pele. A re toro ya gagwe ke gore kgwebo ya gagwe e gole gore a tle a kgone go reka koloi e e ka kgonang go mo thusa mo kgwebong ya gagwe. A re mo nakong ya gompieno kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle fela thata. A re morago ga go tswalwa ga kgwebo ya gagwe, o ne a fetoga mokopi, a re jaanong o kgona go dira tsotlhe tse a di ditlhokang ka lemmenyana le le mo salelang a sena go ntsha madi a setoko. O rotleditse bagwebi ba bangwe go inaakanya le makalana a ab thusang bagwebi ka tsamaiso ya dikgwebo. O gateletse fa buka ya kgwebo e le yone konokono mo morerong wa go tsamaisa kgwebo. A re dibuka di tlhokana le go dirwa ka manontlhotlho a magolo mme di batla nako, lorato le boitshoko gore kgwebo e tswelele le go gola sentle ka fa tshwanelong.Batswana ba rotloediwa go innakanya le lekalana la LEA, go anywa bogakolodi le tsamaiso ya dikgwebo tsa bone gore di tle di kgone go ba solegela molemo mo go tokafatseng matshelo a bone. Katlego ya kgwebo nngwe le nngwe e ikaegile ka bophepa le dibuka tsa kgwebo tse di kwalwang, go supa ka fa kgwebo e dirang ka teng. Mme Josephine Gasejewe ke mongwe wa bagwebi ba ba neng ba tsaya kgato ya go etela lekalana la LEA mo Tsabong go kopa dikgakololo, a sena go bulelwa semausu la bobedi ke ba LEA Social Club ko motseng wa Maubelo. Mo potsolosong le A re e ne ya re monongwaga ka Tlhokole, ba LEA Social Club ba diragatsa lefoko la Baebele le le reng go sego letsogo le le abang, ba mo abela setoko sa P3 900. O tlhalositse fa e rile mo nakong ya fa abelwa setoko se, a gakololwa fa go nna le dibuka tsa kgwebo go le botlhokwa mo tsamaisong ya kgwebo nngwe le nngwe, ka se se mo fa sebaka sa go bona ka fa kgwebo e dirang ka teng. Mme Gasejewe a re o tlhaloseditswe fa boitekanelo le bophepa di tsaya karolo e kgolo thata mo mererong ya tsa kgwebo, mme ba bangwe bagwebi ba itlhokomolosa se. A re bareki ba kgatlhegela go reka mo lefelong le le phepa e bile dijo kana dithoto tse direkisiwang e le tsa boleng jo bo kwa godimo. A re e ne ya re morago ga go fiwa semauso gape, a ititiya sehuba go emela semauso sa gagwe ka dinao. Mme Gasejewe a re o ne a ya go kopa bogakolodi kwa LEA ka tsamaiso ya kgwebo e tshwana le ya semausu. O boletse fa a ne a gakololwa go bulela kgwebo ya gagwe buka e mo go yone a kwalang setoko se a se rekileng le se se leng teng pele ga a reka se sesha. A re botlhokwa jwa go nna le buka e go thusa gore mogwebi a kgone go bona fa setoko se tswa le fa se tsena, le gore kgwebo e tsamaya jang, a e dira dipoelo kana jang. Mme Gasejewe o boletse fa e rile go itemogela fa kgwebo e tsamaya ka thelelo morago ga go bula buka, a ithotloetsa go boloka madi a kgwebo morago ga thekiso nngwe le nngwe. O bolotse fa a simolotse pele ka go dirisa Orange Money go boloka madi a kgwebo. A re maikelelo a gagwe ke go bula polokelo madi mo bankeng ya Barclays mo lobakeng lwa kgwedi tse thataro tse di tlang, go itsa go dirisa madi mo dilong tse e seng tsa kgwebo. Mme Gasejewe o tlhalositse fa lebaka le lengwe le le dirileng gore kgwebo ya gagwe e seka ya dira dipoelo ke go fa bareki ba gagwe sekoloto, ba ba feletseng ba palelwa ke go duela. A re mo nakong ya gompieno o ruthuntshitswe le go fiwa botsipa jwa go tsamaisa kgwebo. A re o ikaelela go dirisa matlhale yotlhe e a filweng go tsamaisa kgwebo ya gagwe. A re dikgwetlho tse a di bonang ke ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa dipalamo tse di mo tseelang setoko morago ga theko kwa marekisetsong a Trans le Shoppers. O bolotse fa a leka ka bojotlhe go tila kgwetlho ya bareki ba ba batlang go reka ka sekoloto jaaka a ne a dira go le pele. A re toro ya gagwe ke gore kgwebo ya gagwe e gole gore a tle a kgone go reka koloi e e ka kgonang go mo thusa mo kgwebong ya gagwe. A re mo nakong ya gompieno kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle fela thata. A re morago ga go tswalwa ga kgwebo ya gagwe, o ne a fetoga mokopi, a re jaanong o kgona go dira tsotlhe tse a di ditlhokang ka lemmenyana le le mo salelang a sena go ntsha madi a setoko. O rotleditse bagwebi ba bangwe go inaakanya le makalana a ab thusang bagwebi ka tsamaiso ya dikgwebo. O gateletse fa buka ya kgwebo e le yone konokono mo morerong wa go tsamaisa kgwebo. A re dibuka di tlhokana le go dirwa ka manontlhotlho a magolo mme di batla nako, lorato le boitshoko gore kgwebo e tswelele le go gola sentle ka fa tshwanelong. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ba Tshwaane ba itumelela FNB Barutabana, batsadi le bana ba sekole sa Tshwaane mo kgaolong ya Kweneng ba re ga ba kitla ba lebala letsatsi le ka lone ba First National Bank Foundation, ba neng ba abela bana botlhe ba sekole se sebotlana sa Tshwaane ditlhako, ba ba makgolo mabedi le metso e le lesome le bobedi, go balelwa ba ba tlaa simololang mophato wa ntlha ngwaga o o tlang, bogolo jang ka go mariga. Mafoko a, a boletswe ke motshwarelela mogokgo wa sekole sa Tshwaane, Mme Dithoredi Ngwanaakgotla, jaaka fa a ne a amogela baeng kwa sekoleng seo bosheng. Mme Ngwanaakgotla o supile fa ba FNB ba tsisitse phetogo mo baneng, selo se a supileng fa se tlaa dira gore bana ba ba nang le letlhoko ba seka ba farologana le ba bangwe. Moemedi wa banka ya FNB, Rre Kago Sibisibi o ne a supa fa ba itlamile go abela bana ba ba kgakala le ditlamelo ditlhako, a supa fa ba sale ba simolola go abela bana ditlhako ka 2015. O supile fa ba na le motlhala kwa bankeng eo, a supa fa e rile ngogola ba bo ba ipelela dingwaga tse di masome mabedi le botlhano banka eo e ntse e direla mo lefatsheng leno. A re ba itlamile go abela dikole tsa metse e e kgakala le ditlamelo di le 3 138 ditlhako, a bo a bolela fa ba setse ba abetse bana ba le 7 224. O supile fa e rile ngogola lekalana lengwe le lengwe la FNB mo lefatsheng leno la ntsha P25 000, mme ba setse ba dirisitse P40 million mo setshabeng. Rre Sibisibi o supile fa ba tshwaraganetse tiro e le lebentlele le le rekisang ditlhako la BATA, mme ba ba rekisetsa ka phokoletso ditlhotlhwa. O kopile bana go tlhokomela ditlhako tsa bone, a kopa gore ba seka ba raga matlapa ka tsone, ba seka ba di adimana le gone gore ba di pholeche di nne di phatsima. Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana kwa sekoleng seo, Rre Ompeile Mochanang, o supile fa ba biditse batsadi gore ba tle go nna basupi ba se FNB e se dirang, a supa fa Baebele e re tshupelo e e boitshepo e supa gore motho o supa se a se bonyeng, gape e le boammaaruri e seng sepe gape. Mogolwane wa lephata la boipelego kwa Letlhakeng, Mme Mothusi Pule, o boletse fa lephata leo, le le ka fa tlase ga la dikgaolo le tlhabololo magae, le thusa batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. O supile fa ba rwele mokgweleo o, mme ba ka seke ba o kgona ba le nosi fa makalana a mangwe a sa ba thuse, a supa fa ba tshwanela go thusa bana ba batsadi ba bone ba tlhokileng lesego ka paka ya sekole, ba netefatsa gore ba tsena sekole, ba ja sentle le gone go ba thusa ka melora le sepalamo sa go ya sekoleng. Mme Pule o supile fa gape ba thusa batsadi ba ba nnang kgakala le ditlamelo ka go ba phakisa leruo, gore mo nakong e e tlang ba kgone go ikemela. O kopile batsadi gore fa bana ba sa lekanwe ke ditlhako ba di buse gone foo, gore di tle di busediwe kwa lebentleleng ba rekelwe tse di ba lekanang sentle. Mogokgo wa sekole sa Motokwe, Rre Rapelang Modise o supile fa ba le motlotlo ka banka ya FNB, a supa fa ba lephata la thuto ba ka seke ba kgone ba le nosi go netefatsa gore bana ba akola thuto. A re barutabana le bana ba sekole sa Tshwaane ba na le tshwanelo ya go ntsha maduo a a tshwanetseng, a supa gore fa ba lekalana la FNB ba ka itumela fa ba ka re ba leba kwa morago nako nngwe, ba bona ngwana wa sekole sa Tshwaane a bereka mo lekalaneng la bone. BOKHUTLO education 4 Koporase e tla isa ditlamelo kwa setshabeng Maloko a koporase ya Kgalagadi Borwa a itlamile go isetsa setshaba ditlamelo ka go ba rekisetsa ka ditlhwatlhwa tse di botoka. Mo puisanong bosheng, mothusa mogolwane wa Southern Kgalagadi Multipurpose Cooperatives, Mme Dikitso Boapotswe a re lebenkele le, le ne la bulwa ka maikaelelo a go isa ditlamelo mo morafeng wa kgaolo ya Kgalagadi ka nako e mabenkele a neng a se mantsi ka yone. O boletse fa ba ne ba rekisa didirisiwa tsa kago gape ba thusa le maloko a koporase ka go ba tseela dikgomo go di ba rekisetsa kwa matlhabelong kwa Lobatse mme nako ya teng le ne le bidiwa Southern Marketing Cooperatives. Mme Boapotswe a re ba ne ba fetola leina go nna Southern Kgalagadi Multipurpose Cooperatives ka 2007 ka gonne ba ne ba batla go rekisa dithoto tse di farologaneng gape kgwebo ya go rekisa didirisiwa tsa kago e ne e sa tlhole e dira sentle. A re kwa Kgalagadi Borwa ba fitlhelwa kwa Tsabong, kwa Khuis kwa ba rekisang dilwana tsa kago fela fa kwa Kolonkwaneng gone ba rekisa dijo le dilwana tsa kago. O supile fa mo nakong eno ba rekisa dijo tsa leruo ka ba lemogile gore barui ga ba ikaega fela ka gore diruiwa tsa bone di tlaa bona mafulo mo nageng. A re kgwebo ya go rekisa dijo tsa leruo e bogadi bo gaufi ka dijo tsa teng di sa nne lobaka lo lo leele mo lebenkeleng. O tsweletse a re ka go sena gope fa dikgwetlho di tlhokegang teng, le bone ba lebanwe ke letlhoko la koloi e e ba tseelang dithoto go tswa kwa Lobatse kana Gaborone go tla Tsabong. Mme Boapotswe a re se se ama kgwebo fela thata ka ba kgona go nna nako e telele lebenkele le sena sepe. O supile fa ba na le maloko a mantsi a a ka tshwarang makgolo a mane mme bontsi jwa bone ba le boitseme. O tsweletse ka gore se se ba tshwenyang thata ke maloko a a maoto a tshupa go nna le seabe mo go tlhabololeng lebenkele e bile ba sa supe kgatlhego ka go tsenelela diphutego tsa bone. A re fa ba latela maloko go bona gore mathata a ka tswa a le fa kae fa ba sa tsene diphutego, ba ba bolelela fa bone e se maloko e bile ba sa gakologelwe sepe. Mme Boapotswe o tlhalositse fa ba oka maloko a bone ka go ba isa dithutong kwa Sebele go tlhatlhelelwa ka lephata la koporase le molao-motheo wa lone. O rotloetsa Batswana ba ba nang le lesedi mo go tsa kgwebo go nna maloko a koporase gore ba tle ba amogane thuto e ba nang le yone le bone gore ba kgone go godisa kgwebo ya bone. O tlhalositse fa ba sa kgetholole ope ka mongwe le mongwe a letlelelwa go nna leloko la bone jalo a supa fa ba kopa gore setshaba se ba rotloetse ka go reka mo lebenkeleng la bone gonne ditlhwatlhwa di kwa tlase. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Morutabana o gwetlha baithuti Morutabana wa sekole se se botlana sa Letlhakeng, o gwetlhile baithuti ba dikhutsana le ba batlhoki ba ba nnang kwa dihoseteleng tsa Mphuthe yo mogologolo kwa Letlhakeng, go tshepha thuto ka e le yone bokamoso. Rre Clinton Sennye o buile se mo thuto-puisanong e e neng e rulagantswe ke ba lephata la boipelego le khansele, e e neng e tshwaretswe kwa dikagong tsa dihosetele tsa Mphuthe yo mogologolo ka Matlhatso . O boletse fa thuto e aga motho e bile ngwana mongwe le mongwe a na le tshwanelo ya thuto. O kaile fa motho yo o rutegileng a nna a le motlotlo ka dinako tsotlhe, a tlatsa ka gore maitsholo a a makgasa a moithuti a supa fa a sena maikarabelo a a tletseng a go tsaya thuto e le tshwanelo ya gagwe. Rre Sennye o tlhalositse fa moithuti mongwe le mongwe a tshwanetse go nna le toro ya go itshetsa fa a fetsa sekole. O ne gape a gwetlha baithuti bao go itlhamela ditlhophana tsa thusano tiro ya sekole mo dihoseteleng, a tlatsa ka go tlhalosa fa moithuti yo o nang le tebelopele ya go rutega a tshwanetse go nna le botho jo bo amogelesegang mo setshabeng. education 4 Mmaraka wa Kgagodi o tlhoka paakanyo Morago ga go lemoga fa bagwebi ba ba botlana ba motse wa Kgagodi ba sokola ka lefelo le ba ka rekisetsang dithoto tsa bone mo go lone, komiti ya ditlhabololo tsa motse oo e ile ya dumela go dira mmaraka o bagwebi ba ka rekisetsang teng mme ba ntsha sepenyana gore letlole la komiti le seka la phaphalala fela. Komiti e ne ya baa tlhwatlhwa ya P30 go duelwa ke mogwebi mongwe le mongwe. Tlhwatlhwa e e saleng e bewa dingwaga tse di lesome fa mmaraka o simolola go dirisiwa e ntse e nngwe fela ka gonne mmaraka ga o ise o tlhabololwe. Ba komiti ya VDC ya motse ba bolela fa ba sa jesiwe diwelang ke se mme go se sepe se ba ka se dirang go oketsa ditlhwatlhwa ka gore letlole la VDC ga le na madi a ka shafatsang kago pele ba ka oketsa ditlhwatlhwa. Mothusa modulasetilo wa VDC, Mme Seduda Mhaladi o buile mo potsolotsong gore e setse e le dingwaga tse dintsi kago ya mmaraka e le mo seemong se se sa jeseng diwelang se. O bolelwa fa marulelo a kago e, a rutlomologile bontlha bongwe, mabati a teng a sa bereke sentle. O ne a re maikaelelo a VDC go tlhabolola motse wa Kgagodi ka mmaraka a tla itaya sefololetse fa mmaraka o o ka tswelela o le mo seemong se. A re mmaraka o, o ne o diretswe matlwana a borekisetso a le lesome mme ka go tlhoka go gokela motlakase, bagwebi ba ba botlana ga ba a ka ba kgatlhegela go dirisa lefelo leo. Mme Mhaladi a re se, se ile sa dira gore VDC e seka ya kgona go bona dipoelo jalo letlole la bone le ye ko tlase ka se ba neng ba solofetse go tsenya madi ka sone se ile sa seka sa diragala. A re mo nakong ya gompieno letlole la VDC ga le na madi a go ka baakanya le go gokela motlakase mo kagong ya mmaraka gore e nne mo seemong se bagwebi ba ka e kgatlhegelang. A re go tlhoka go gokela motlakase go dira gore bagwebi ba ba botlana ba seka ba kgatlhegela go gweba mo marekisetsong a, mme ba itirele dimausu mo malapeng. Mme Mhaladi a re kgwebo ya gompieno e batla ditsidifatsi gore dijo di seka tsa senyega, jalo ka ntateng ya letlhoko la madi go gokela motlakase, bagwebi ba bona go le botoka go gweba mo malapeng kwa batla sekeng ba sokole ka ditsidifatsi. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Phatsimo o itshetsa ka borotho E re le fa kapei ya borotho e dirwa ke bontsi, Mme Phatsimo Marata, yo o dingwaga di masome marataro le bobedi wa kgotlana ya Matabi kwa kgaolong ya Mmadinare, o supile fa kgwebo ya borotho e mo ntshitse mo lehumeng. Mme Marata, yo o tumileng ka kapei ya borotho, a re o ne a bona gore fa a ka thuba kobo segole a seka a inaakanya le kgwebo e, o tlaa jela mo lesweng. A re o ne a gwetlhwa ke bothakga jwa gagwe mo kapeing ya borotho fa a santse a le monana, e re fa apeile batsadi ba mo akgole. Mo potsolotsong le BOPA, Mme Marata a tlhalositse fa kgwebo ya gagwe a e direla mo mo lapeng. A re o kopiwa ke ba dikgwebo-potlana jaaka dimausu gore a ba apeele borotho, mme ba mo duela ka kgwedi. O tlhalositse fa a na le barotloetsi ba madirelo a borotho ba ba kgonang gore ba mo kope go ba apeela borotho mme se se tsholetse kgwebo ya gagwe. Mme Marata a re o gatetse pele ka e ne ya re ka 2015 a thapa basetsana ba le babedi go mo thusa go apaya ka kgwebo e ne e supa kgolo, mme e bile a se na bothata jwa go ba duela fa kgwedi e fela. A re o itumelela gore mo nakong ya gompieno ke mogwebi yo o ka fa molaong ka o setse a na le setlankana mme e bile a na le mogopolo wa go kopa madi kwa go ba Gender Affairs go ikagela bakery. Mme Marata a re le fa kgwebo e e mo tsosa makuku, dipoelo tsone di teng. A re e ne ya re ngwaga wa 2013 o ya fifinga, a ntsha madi mo letloleng la dipoelo tsa gagwe go ikagela ntlo ya dikamore tse thataro. “Setlogelwa tsatsing se ikisa meriting. Nna ga ke ise ke tsene ka kgoro ya sekole, mme mo nakong ya gompieno ke ikagetse fa nka robalang teng le bongwanake, mme e bile nka se lale tlala,” ga tlhalosa Mme Marata. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ba Itumelela thobo ya monongwaga Rabalemisi wa Mmathethe mo kgaolong ya Ngwaketse Borwa Rre Kealeboga Sentsho a re thobo mo kgaolong ya borwa e a nametsa monogangwa ka jaana balemi ba setse ba rekisa legwetla. Rre Sentsho o buile jalo kwa Mabule ka mafelo a beke mo moletlong wa go lebogela legwetla.O ne a akgola balemi go bo ba kgonne go dirisa dipeo le menontshane e ba e filweng ka lenaneo la puso la ISPAAD. O tlhalositse fa dipeo tse di neng di abiwa le tse balemi ba neng ba di ithekela di lemilwe sentle. O ne a tswelela ka go akgola balemi mo kgaolong, ka ditema le palo ya balemi e a kaileng fa e oketsegile thata mo mafelong a tshwana le Leporong, Sekhutlane, Dikhukhung le Lerolwane, a tlatsa ka go tlhalosa fa seemo sa dijalo le sone se nametsa fela thata ka thobo e nnile e e botoka go feta. O ne gape a kgothatsa balemi ba kgaolo eo go lema mabele go tokafatsa seemo sa dijo mo lefatsheng, a boa a kgothatsa bana go inaakanya le maneno a puso e a ntshitseng ka maitlamo a go tokafatsa le go tsholetsa ngwao. Rre Sentsho o kgothaditse balemi ba dijwalo tsa bone di tlhabetsweng go rekisetsa barui go sila gore ba dire dijo tsa leruo la bone. Kgosi Morota Tiro o ne a rotloetsa balemi go sala morago dikgakololo tsa molemisi ka jaana di thusitse batho ba Mabule ka maiteko a bone go lema, ka ba bone temo e e botoka. Rre Tiro a re ba tswelele ba dira fela jalo le mo dingwageng tse di tlang go tsosolosa ngwao le gone go intsha mo lehumeng. A re o isa malebo kwa go tautona wa lefatshe leno ka ane a ntsha taelo ya gore Batswana ba rapelele pula mme morago ba boe ba e lebogele.Mokhanselara Rre Johnson Mhaladi e ne o ne a leboga ka go rotloetsa balemi go tsaya dithuto tsa balemise tsia, ba bo ba di sala morago ka jaana ba rutilwe e bile ba itse se ba se dirang fa ba bua ka temo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Matsubutsubu a rutlomolotse matlo Pula e e neng ya gosomana ka Mosupulogo, morago ga dijo tsa motshegare e tlogetse malwapa mangwe kwa Mapoka a itshopere. Go ya ka monni mongwe wa motse oo, yo le ene a wetsweng ke seru seo, Mme Siphiwe Thela pula eo e ne ya gosomana mo ba neng ba sa solofela. Matlapa a ba neng ba a beile fa godimo ga ntlo go tshegetsa disanke a wetse mo ntlong, phefo e tsere disanke e di latlhetse kgakala, metsi le one a tlhakatlhakantse sengwe le sengwe mo ntlong. A re pula eo e simolotse ka nako ya bobedi go ya kwa go ya boraro motshegare mme e bile e ne ya rutlolola ntlo ya gagwe e e dikamore di tharo, mme ga senyega thata tse pedi. O tlhalositse fa a ne a na le bana ba gagwe ba bannye ba le babedi fa ba bangwe ba ne ba ile kwa sekolong, a tlatsa ka gore ba ne ba leka go siela mo ntlong e nngwe e le yone e neng e tletse metsi. A re le boroko ga baa bo bona bosigo ka dikobo di ne di kolobile tsotlhe ga mmogo le malao. Mme Thelaa re o ne a tshwanelwa ke go ya go kolota dijo kwa semausung se se mabapi gore segolo bana ba seka ba lala le tlala. Mme Phahla Zibani ene o supile fa pula eo e sentse dikgetsi tsa semente di le supa. E ne ya rutolola ntlo ya ngwana wa gagwe e e dikamore tse pedi mme ga senyega thata kamore e le nngwe. A re ntlo eo e ne e le ntsha go agiwa mme e bile ba ne ba e dirisa go beela didirisiwa tse di neng di setse fa go agiwa. O tsweletse ka gore pula eo e ba buseditse kwa morago ka jaanong ba sa itse gore ba ya go tsaya kae madi a go reka disamente tse dingwe. Mongwe ba balemi kwa Kgari, Rre Deboyson Mathe le ene o ne a lela sa khuranyo ya meno ka sefako se sentse dijwalo tsa gagwe tse le tsone a neng a solofetse gore di tlaa mo direla madi a keresemose. A re sefako seo se amile ditema tsa tamati, magapu, sweet pepper le lephutshe. A re o ne a ikaeletse gore mo bogautshwaneng a bo a rekisa. A tlatsa ka gore le ntswa ba ne ba eletsa pula gore e kolobetse lefatshe gore dijwalo tsa bone di gole, e ba tlogeletse mahutsana e bile e ba buseditse kwa morago. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Mosielele o amogela dikgafela Megolokwane le meribo ya pina tsa setso e ne e lelela boatleng fa lerole le ne le kgama mokodue kwa kgotleng kgolo ya ga Mmanaana kwa Moshupa, fa Bakgatla ba ne ba gorosa dikgafela bosheng. Go ne go leba yo o sebete fa mpaatshane a kgaoga, dijase di fofa mo phefong, setlhako sa ga kgosi se sutlhwa se ba se latsiwa ka loleme. Dikgotlana tsotlhe tse di mo motseng wa ga Moshupa di ne di tlhomagane ka maemo a tsone, di isitse dikgafela kwa kgosing. Bomme ba ne ba apere megagolwane le dikhiba tsa jeremane, ba rwele dinkgo di tletse bojalwa jwa Setswana, fa bangwe ba bone ba ne ba rwele ditlatlana di tletse thobo ya ngogola, mabele, mmidi, letlhodi, lengangale le tse dingwe tse Batswana ba di ratang bobe. Borre ba matlhogotsweu ba ne ba ntse fa kgotleng le kgosi ba dumaduma ba ntse ba ikgatsha ka diphafana tsa bojalwa, dinkgo di phophoma lehulo le lesweu, le le supang gore bojalwa jwa teng ga se nkwe. E rile a amogela dikgafela tseo, Kgosi Kgabosetso Mosielele II, yo e bileng gape e le leloko la kgotlakgolo ya ditsheko ya Setswana , a bolela fa dikgafela e le ngwao ya bone ya Sekgatla, e e dirwang ngwaga le ngwaga e le go leboga Modimo gore ba dikile ba kgonne go bona sengwe kwa masimo, ditebogo. Kgosi, yo oneng a patilwe ke borangwaneagwe le magosana a motse, o lopile Modimo go nesa pula ya masubelele gore balemi ba dike ba lemile thata ba kobele leuba, tlala le lenyora kgakala. O boletse fa dikgafela gape e le nngwe ya sebaka sa go supa ngwao morafe ka go twe tshaba e se nang ngwao ke moka e latlhegileng. Kgosi Mosielele o boletse fa puso e ka se ke e kgone go phakisa mongwe le mongwe mo itsholelong e e wetseng tlase jaana le mororo batho ba na le diatla le ditlhaloganyo tsa go itirela. A re fa batho ba ka bo ba lema jaaka bogologolo go ka bo go se na mophako wa gompieno. O boletse fa puo ya Setswana le yone e nyelela ka monokela mo eleng gore le dikokomane tsa bone di tsile go itshwara melemo.Sebui sa tlotla sa letsatsi leo, Professor Thapelo Otlogetswe, motlhatlhalela dithuto tsa dipuo kwa Mmadikole, o boletse gore dithuso tse puso e di fang batho e ba dirile ditshwakga ka gore jaanong ba emetse ‘atlhama ke go jese’ fela. Pro.Otlogetswe o boletse fa metlhala ya khumo e le mentsi mme fa e kalatedisiwa, e ka thusa Batswana go lesa go baya mo pusong fela. O ba kgothaditse gore ba ikopanye ba thusane ba dire dikgwebo tse ka tsone ba ka ijesang le bana ba bone. O boletse fa mowa wa boipelego e le one konokono mo merafeng gore ba itlhabolole ba intshe kwa morago. Le ene o kopile maphata otlhe go rapelela pula gore ditshedi tsotlhe di tle di nne mo ledulong le le monate. O kgothaditse dikgosana tse di dirang le ene go bereka ka thata go thusa go etelela morafe ba o lemotsha botlhokwa jwa go itirela. A re tiro ya bone ga se go sekisa fela le go letlanya, ke go fa morafe lesedi la botshelo. Kgosi o ne a bolela fa ngwaga o o tlang ba tlaa tlhabololo dikgafela tsa bone ka go dira gore go nne le metlagana e ka yone morafe o tlaa bong o rekisa ditiro tsa diatla. Kgosi o boletse gore ba ba tlaa bong ba kapa ditshwantsho le mantswe ba tlaa bo balefisiwa madinyana a a tlaa tsenang mo letloleng la bone. Go ne go le monate mo kgotleng mo dinakong tsa tshokologo fa jaanong dinkgo di ne di buletswe, go jewa dijo tsa setso go ba go latlhwa fa kwa bojalweng jwa Setswana gone ke sa bue ka gore mantswe a bannabagolo a ne a ile magoletsa ke bona gore dintshe di ne di tsena ka madi sentle. Bokhutlo arts_culture_entertainment_and_media 0 Batsadi ba itlama go kgothatsa bana Mo letsholong la go tokafatsa maduo a a sa itumediseng, batsadi ba baithuti ba mophato wa botlhano ba sekole se segolwane sa Kgari Sechele ba amogetse mogopolo wa gore ba ne ba iponatsa kwa sekoleng seo mo malatsing a a farologaneng a beke go fa baithuti thotloetso. Batsadi ba dumalane ka bongwefala jwa pelo ba bo ba iteela mogopolo o legofi. Mogopolo o ba ne ba o beilwe pele ke Mme Bonno Gaadija yo e leng leloko la komiti ya batsadi le barutabana. Mme Gaadija fa a ntsha mogopolo o tlhalositse gore e le mongwe wa batsadi o tshwentswe ke maduo a a kwa tlase a sekole se, selo se a reng se diragala ngwaga le ngwaga mme a re ke sone se se mo gwetlhileng go tla ka mogopolo go tshwaragana le batsadi ba baithuti ba bangwe go dira phetogo. O tlhalositse gore moithuti yo o dirang sentle o tlotlomatsa ba lelwapa la gagwe le bone barutabana ba gagwe, mme a re maduo a a seng mantle a a swabisa. A re bana ba ba tlaa bong ba kwala ditlhatlhobo monongwaga e ka nna ba ntlha go dira botoka mme a re go ka nna jalo fa batsadi ba tshwaragane le barutabana le baithuti. “A re simololeng go tsena sekole le bana ba, mme re ikgaoganya ka malatsi a a farologanyeng go tla re lebelela gore a ba dira tiro ya sekole le gone gore a mme ba tla sekoleng,” o tlhalositse jalo. Mme Gaadija o tsweletse a ntsha megopolo e mengwe e tshwana le ya go koleka madi a a kanang ka P4 go rekela baithuti metsi jaaka ba tlaa bo ba kwala ditlhatlhobo, le go ntsha P2 yo o tlaa kgaogangwang gabedi go reka dipilisi tsa ditlhabi tse di tlaa thusang fa moithuti a opiwa ke tlhogo fa a mangwe a tlaa dirisiwa go thusa bana ba basetsana ka go ba rekela dingwe tse ba di tlhokang fa ba bona setswalo. Fa ba a kgwa Mma Gaadija dikgaba bangwe ba batsadi ba ne ba supa matshwenyego a bone ka mogopolo o ba re o siilwe ke nako, ba tshogela gore go ka tlhakatlhakanya baithuti tlhaloganyo mme se se ba bakele letshogo mme gape ba re ba ipotsa gore barutabana ba tlaa bo ba le kae. Ba ne ba supa ngongora ya go kopanela phuthego e le baithuti ka e ne erile go le pele baithuti ba bo ba le teng mo phuthegong eo mme morago baithuti ba ne ba kopiwa go tswela kwa ntle go letlelela batsadi le barutabana go bua ka tshosologo, ka jaana batsadi ba ne ba supile fa ba sa phuthologa go bua baithuti ba le teng foo. Morago ga go sedimosetswa ke mogokgo wa sekole, Rre Lapologang Kolagano, ka go tlhalosa gore mongwe le mongwe o na le seabe sa gagwe mo thutong ya bana, jalo a re se e tlaa bo e le seabe sa batsadi mme a re go tla ga batsadi go ka dira pharologanyo e tona, a tlhalosetsa batsadi gore baithuti ba tlhoka thotloetso ya bone. A re go tla kwa sekoleng ga batsadi, batsadi ba ka rurifatsa gore e le ruri bana ba bone ba tla sekoleng, le go bolelela barutabana fa baithuti ba sa iponatsa mo sekoleng, go ba rotloetsa mo go direng ka natla mo dithutong tsa bone tsa ditiro tsa diatla le gone go tsaya ditlhatlhobo tsa teng ka tlhwaafalo. Batsadi ba ne ba itlama go simolola ga diragatsa mogopolo o mo bekeng e e tlang. education 4 Bolokang madi pele ga le aga malwapa Baratani ba kopilwe go dira lenaneo le le tsepameng jaaka go boloka madi dikgwedi di le thataro pele ga mme a ka simolola go ima pele le go tsola bana. Se se builwe ke mogolwane go tswa kwa lekgotleng la Botswana Family Welfare Association (BOFWA) Rre Phenyo Ntoko kwa phuthegong ya kgotla ya borre kwa Kanye bosheng. Rre Ntoko a re go boloka madi go botlhokwa thata ka jaana mme yo o imileng o ka kgona go dirisa madi ao go ya go bona ba bongaka fa a ka lwala kana ngwana a le mo diphatseng O ne a bolela fa go le botlhokwa gape gore baratani botlhe ba bo ba itekanetse mo mmeleng le mo tlhaloganyo pele ga ba ka tshola bana. Ka jalo o ne a ba rotloetsa go itshidila mmele ka nako tsotlhe go hema malwetse a tshwana a sukiri le madi a matona a a laolesegang, a ba rotloetsa gape go ja dijo tse di itekanetseng ka go fokotsa letswai le lentsi le dijo tse di apewang ka mafura, go goga motsoko le go nwa bojalwa phetelela gareng ga tse dingwe. O ne a kopa borre gore ba eme bomme nokeng ka jalo a ba gakolola go etela kwa dipateleng le bakapelo kwa ba ka neelwang dithuto tsa pelegi gore ba kgone go ima ka nako e maleba mme supa gore fa baratani ba ka sala ditaelo tse morago, ba ka tsola bana ba ba itekanetseng. O ne a gakolola borre gore ba rotloetse bakapelo ba bone ba ba imileng go ja dijo tse di siameng, go etela kokelwana le mme gore ba itse se se diragalang le go dirisa sekausu nako tsotlhe fa mme a imile gore a seka a tsenwa ke malwetsi. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa lekgotla la Men Sector mo Kanye Rre Eddie Kgomotso o ne a rotloetsa borre go ema bo mme nokeng fa ba imile, a supa fa a lemogile gore borre ba le bantsi ba nna le letshogo fa bo mme ba imile ka jalo, a re go botlhokwa gore borre ba ithute ka go botsa ba bongaka le borre ba bangwe le gone go bala tota. A re therisanyo gareng ga baratani ke yone konokono e mo go yone rre le mme batla utlwanang ka yone bogolo jang fa mme a imile. Fa ba akgela, borre ba boletse fa ba kgojwa marapo ke borre ba bangwe ka jaana bontsi jwa bone ba rata go hakgamala kana ba ba kgala fa ba dira ditiro tse di neng di dirwa ke mme pele a ima. Ba ne ba supa fa ba kgojwa marapo gape ke baoki ka go nna ba ba botsa dipotso tsa gore mmagwe ngwana o kae fa ba ba isitse kwa dipateleng, mme ko bofelong ba ne ikana go emela dikgang tse ka dinao le go fetola ka fa ba akanyang ka teng le go tsaya boikarabelo nako tsotlhe. BOKHUTLO society 9 Poso e tla simolodisa tiriso ya karata E tla re kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome mabedi le boraro go fitlhelela Motsheganong a le masome mabedi le bone, poso e direle bagodi dikarata tse di amogelang madi. Fa a rolela morafe wa Serowe mafoko a mo phuthego ya kgotla bosheng, moeteledipele wa tsa kgwebo wa Botswana Post, Rre Cornelius Ramatlhakwane o tlhalositse fa dikarata di ya go simolola go dirisiwa kgwedi ya Seetebosigo e rogwa. A re, karata eo, e e bitswang Poso Card, e ya go dirisiwa ke bagodi, bagaka ba ntwa le batlhoki go amogela madi le go ipeela madi a ba tla bong ba sa batle go a tsaya. Rre Ramatlhakwane a re, mo bogautshwaneng jo bo sa fediseng pelo, karata e tla dirisiwa gape go reka dijo le motlakase mo marekisetsong le gone go duela metsi. O supile fa madi a ya go tsena dikgwedi tse tharo ka tatelano, le fa motho a sa a tseye, go nale ka fa go neng go dirwa ka teng mo dibukaneng, mo madi a neng a boa fa motho a sa a tseye mo kgweding. O tsweletse a tlhalosa fa motho a ka kgona go tsaya madi mo posong nngwe le nngwe kwa a leng teng. A re, karata e, e a go dirwa mahala mme fa e latlhegile kgotsa mong wa yone a sa e bone kana mabaka mangwe fela, o tla ntsha P22.00 gore a dire e nngwe. O ba rotloeditse gore nako nngwe le nngwe fa ba tsaya madi kwa posong, ba netefatse gore ba neelwa pampiri ya sesupo sa dituelo gore ba tle ba kgone go itse gore ba saletswe ke bokae. Fa a tlaleletsa, mookamedi wa diposo tsa kgaolo ya Legare, Mme Tebogo Kowa o tlhalositse fa ba bone gole botoka gore ba dire dikarata ka gore dibukana di a sokodisa ka di kgona go tsaya lebaka le leelele di fedile go bo go sa amogelwe go emetswe tse disha, a tlatsa ka gore gape go dira dibukana go a tura. Mme Kowa a re, bukana ga e a babalesega ka dirukutlhi gantsi di kgona go di tsaya ba bo ba tsaya madi kwa posong, ba tlhalosa fa mong wa bukana e le nkukuagwe kgotsa rragwemogolo. A re, bosupi jo bo dirisitsweng mo dibukaneng ga bo kgone go bonwa gore ke jwa ga mang ka matlho, mme maranyane a a yang go dirisiwa mo karateng a tla thusa go supa gore monwana ke wa ga mang. Ba kopile morafe gore o nne o tla ka dibukana fa batla go amogela go fitlhelela ba emisiwa. Go le pele fa a amogela morafe kwa kgotleng kgolo ya ga mmangwato, mothusa motshwarelela bogosi ja ga mmangwato, Kgosi Serogola Seretse o supile fa a itumeletse kokoano e kgolo ya bagolo ba ga mmangwato. O ba kopile gore ba tswelele fela ba nne ba tla ka boidiidi jo bogolo le mo diphuthegong ,a tlhalosa fa seriti sa kgotla se le mo go bone. politics 7 Tona o lekola ditiro tsa ESP mo kgaolong Mopalamente wa Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila, o ne a etela metse ya Tshokwe le Mmadinare go lekola lenaneo la ditiro tsa go rudisa itsholelo. Go ya ka Rre Mzwinila, maikaelelo a lenaneo la ESP ke go diragatsa ditlhabololo tse di neng di saletse kwa morago. Rre Mzwinila, yo gape e leng mothusa tona wa lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao, o ne a tlhalosa gore le fa go nnile bonya go simolola tiro kwa Tshokwe, go a nametsa ka bangwe ba bo radikonteraka ba setse ba itshupile go ka simolola tiro mo lobakeng le le seng kgakala. Rre Mzwinila o ne a supa fa go le botlhokwa go nna a lekola ditiro tsa go nna jalo ka e le ene leitlho la setshaba, go bona gore ditiro di dirwa ka nako e bile ke tsa boleng jo bo kwa godimo le go diragatswa ka madi a a dumalanweng. E rile a ema boradikonteka ka lefoko, Rre Mzwinila a ba kgothatsa go thapa bana ba metse e ditiro di dirwang kwa go yone go fokotsa letlhoko la ditiro mo motseng. Rre Mzwinila o tlhalositse fa go le botlhokwa gore ba-na-le seabe ba tshwana le badirelapuso, makhanselara le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ba bereke mmogo go netefatsa gore ditiro di a dirwa. O ne a solofetsa fa e tlaa re ka Hirikgong a tle gape go bona gore se ba se dumalaneng se a diragala. E rile a tlhalosa mabaka a tiego ya kago ya matlo a barutabana a fera bobedi, matlo a borutelo a le mabedi,le a boitiketso a bana ba sekole a le masome mabedi le bone a a tshwanetseng go agwa kwa sekoleng se se botlana sa Tshokwe, Mme Malebogo Magano go tswa khanseleng a supa fa e rile morago ga go abela baikopedi ditiro tsa kago, bangwe ba boradikonteraka ba ngongorega gore go nnile le tsietso mo go abeng ditiro tseo. Mme Magano o tlhalositse fa seo, se ne sa dira gore boradikonteraka ba ba neng ba abetswe ditiro tsa kago ba tsee lobaka lo loleele go simolola tiro. Mme Magano o ne a tlhalosa fa rakonteraka wa kago ya matlo a barutabana a setse a le teng, mme a simolotse thulaganyo ya go thapa badiri,fa wa kago ya matlo a boitiketso le a borutelo a ise a goroge go ka simolola tiro. Mme Magano o ne a supa fa ba na le tumalano le boradikontera gore fa ngwaga wa madi o wela ka Mopitlo 2018, tiro ya kago e bo e weditswe. E ntse e le mo lenaneong la go lekola ditiro tsa lenaneo la ESP kwa Mmadinare, go supafetse fa kago ya matlo a mapodisi e tsweletse sentle, mme tsholofelo e le gore e bo e wetse fa ngwaga wa madi o wela. BOKHUTLO politics 7 Batsadi ba kopiwa go nna le seabe mo thutong Batsadi ba bana ba ba tsenang sekole se sebotlana sa Khudumelapye ba kopilwe go tshwaraganela thuto ya bana ba bone le barutabana. Mafoko ao a builwe ke mogokgo wa sekole seo, Mme Nancy Mukuwa mo phuthegong ya batsadi le barutabana bosheng. Mme Mukuwa o rotloditse batsadi botlhe go ikitaya ka thupana le go ipha nako go nna le seabe sa go latedisa seemo sa thuto ya ngwana bogolo gabedi mo setlheng. O tsweletse ka go kopa batsadi go ne ba letlelela bana ba bone go tla sekolong ka mafelo a beke go tla go tlhatlhelelwa fa ba saletseng morago teng mo dithutong. Mme Mukuwa o supile fa a tshwenngwa ke seemo sa bana ba ba tlang morago ga nako mo sekolong ntswa ba nna le batsadi kwa malwapeng, a supa fa botsamaisi jwa sekolo bo ikemiseditse go tsisa maduo a a botoka mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa. Mongwe wa batho ba motse oo Rre Mmadianakedi Padime o akgoletse barutabana ba sekolo seo tshwaragano e ba nang le yone le bone. education 4 Lenaneo le fetola botshelo Rre Sizwe Moses wa Mathangwane o dumela thata mo seaneng se se reng mphampha e a lapisa, motho o kgonwa ke se sa gagwe. Mo potsolotsong bosheng, Rre Moses a re e sale a thusiwa ka lenaneo la Young Farmers Fund (YFF), botshelo jwa gagwe bo fetogile e bile batho ba setse ba itse gore le ene ke motho. A re kgwebo ya gagwe ya go lema merogo o sale a e simolotse ngwaga tlola mme a rekisetsa batho ba motse oo fela. Rre Moses a re dikgwetlho tse a neng a kopana le tsone di tshwana le letlhoko la lefatshe le madi di ne tsa seka tsa mo kgoba marapo. Mme o ne a kopana le mosamarea yo o molemo yo o neng a mo fa dikgakololo gore a ikopanye le ba lephata la ditsha le matlo, la tsa pereko le selegae le la tsa madi le ditogamaano tsa ditlhabololo go godisa kgwebo ya gagwe. A re lekalana la Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA) le ntse le seabe se setona fela thata mo kgwebong ya gagwe ka ebile ba ne ba mo rutuntsha go lema dijalo tse dintsi le go godisa kgwebo. O setse a rekisetsa mabentlele a tshwana boChoppies, Spar le bagwebi ba babotlana. Rre Moses o boletse fa mananeo a nyeletso lehuma a tshwanetse go tsewa ka tlhoafalo ka jaana ene a dule mo lehumeng, mo a kgonang go tlhokomela bana ba gagwe ba sekole. A re ntswa kgwebo ngwe le ngwe e lebaganwe ke dikgwetlho, o setse a itse gore o ka fema jang dilo tsa go nna jalo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Palamente e tlhopha mapalamente a a le mane E rile ka Labobedi palamente ya tlhopha mapalamente a le mane go tlaleletsa mo go a masome matlhano le bosupa a a itlhophetsweng ke setshaba mo ditlhophong tse di sa tswang go tshwarwa. Fa a sena go ikanisiwa, Tautona Lt General Seretse Khama Ian Khama o ne a ntsha maina a le mane a a akaretsang matona a pele eleng Rre Kitso Mokaila le Kenneth Matambo le mokwaledi wa pele wa ga tautona Rre Eric Molale gammogo le moatlhodi wa pele, Dr Unity Dow . Rre Molale o ne a tshwanetse go tlogela tiro ya bodirela puso ka Sedimonthole ngwaga ono morago ga go direla setshaba ka botswapelo go simolola ka 1981ele mothusa molaodi kwa Tsabong. O ne gape a direla puso ele mokwaledi mogolo wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae pele a ya kwa ofising ya ga tautona ka 1998. Rre Mokaila ene o ne a tlhophiwa go ya palamenteng ka 2004 a bo a dirwa tona ya diphologolo le makgabisa naga mme ka 2012 a tlhophiwa go nna tona ya kgotetso le metsi go fitlhelela bokhutlo jwa palamente ya lesome. Dr Unity Dow ke ene mosadi wa ntlha go tlhophiwa go nna moatlhodi mogolo mo lefatsheng leno. Dr Dow ke molwela ditshwanelo le mokwadi wa dikgang tsa tekatekano ya bomme le molwela kgololesego e bile ele leleko la International Women’s Right Watch. Rre Matambo o tsene mo palamenteng ka 2009 ele mopalamente yo o itlhophetsweng mme morago a tlhophiwa go nna tona wa madi le ditogamaano tsa ditlhabololo. BOKHUTLO politics 7 Ditlou di tsentse letsogo Ditlou di tsentse barui ba meraka ya Dikgatho le Gurujwaa gaufi le Robelela tsebetsebe. Kgosi Phillip Tamocha wa Robelela o boleletse A re ditlou di thelesegetse mo merakeng e bosheng, selo se barui le balemi ba sa se tlwaelang. Kgosi Tamocha o tlhalositse gore le fa kgaolo eo e le ya ditlou, di ntse di tla ka sewelo e bile tshenyo ya tsone e le kwa tlase mme jaanong palo ya tsone e godile. O tlhagisitse balemi-barui le banni ba Robelela go nna podi matseba fa ba ya merakeng le masimo, bogolo jang maitseboa, a re ba ithute go tshela le ditlou ka gore tlou ke phologolo e e kgonang go galefa mme e gape botshelo jwa motho. Kgosi Tamocha o tsweletse ka go tlhalosa fa ditlou di sentse le terata ya matlhoko a leruo e e gaufi le molelwane wa lefatshe leno le la Zimbabwe. A re le fa go ntse jalo, barui ba dise leruo le seka la tlolela kwa Zimbabwe. A re o kopile ba lephata la diphologolo le makgabisa naga go ba tswa thuso ka ditlou tse di sailang kwa merakeng, a re meraka eo ga e kgakala le Robelela, ka jalo ditlou tse di ka toga tsa goroga le mo motseng. society 9 Dirisang mananeo ka botlalo Mothusa tona wa lephata la tlhabololo temo-thuo le dijo, Rre Kostantinos Markus, o kgaletse banni ba Poloka go nna maoto a tshupa mo go diriseng mananeo a temo-thuo. Rre Markus o buile se mo phuthegong ya kgotla bosheng. A re pego e a e filweng ke bodiredi jwa lephata la temo-thuo e supa gore le ba ba tsereng mananeo, ga ba a dirise sentle gore a kgone go ntsha maduo. O tlhalositse gore bangwe ba ba thusitsweng ka dipeo ka lenaneo la ISPAAD ga ba ise ba di dirise, ka bontsi ba ise ba leme. “Dipalo di supa gore batho ba le 118 ba filwe dipeo ka ISPAAD, mme ba le 26 ke bone fela ba go supagalang ba setse ba beile tema. Ke le rotloetsa go lema, mme le dirisa methale e e ka thusang go ntsha maduo a a nametsang jaaka go lema ka ditselana,” Rre Markus a tlhalosa. O supile fa go na le balemi bangwe ba ba santseng ba tshwareletse mo segologolong sa go gasa peo le mororo mothale o, o sa ntshe thobo e e nametsang. Rre Markus a re temo e botlhokwa mo matshelong a banni ba Poloka ka gore ke yone tsela e ba ka e dirisang go ntsha dijo le go itshetsa. “Bagaetsho a re yeng masimo re e go lema re itshetse,” Rre Markus a kopa. A re Poloka o ikadile mo lefatsheng le le nonneng, le le nang le bokgoni jwa go ntsha dijo, ka jalo a ba kopa go tsena ka mmetela mo mananeong a temo-thuo. Rre Markus a re ba seka ba ineela ka gore nako e santse e letla gore ba ka lema. O supile gore mo kgaolong ya bokone, e ba welang ka fa tlase ga yone, dithuso tsa lenaneo la ISPAAD di ema kgweno eno e le lesome le botlhano. Le fa go ntse jalo, Rre Markus o supile fa phetogo ya loapi e amile paka ya pula mme seo se kgoreletsa maiteko a balemi go ntsha dijo tse di lekaneng. A re puso e tsweletse ka go leka maano a go inola Batswana mo manokonokong a leuba. Banni bangwe ba supile fa ba na le keletso ya go tsenya letsogo mo go nonotsheng temo-thuo, mme mathata ke di kgoreletsi dingwe. Rre Poitshego Molefe o supile fa a na le keletso ya go rua dihutshane mme a sa atlege mo go kopeng thuso. Rre Tapologo Boitumelo a re ke mongwe wa ba ba tsereng dipeo mme a ise a kgone go lema ka pula e seyo. Mme Obonetse Nkane ene a re o beile tema tse tlhano tsa mmidi le magapu mme mmidi o sa kgone go itshetlela ka pula e le boutsana. Ba bangwe ba ba ikopetseng mananeo a temo thuo jaaka la LIMID le nyeletso lehuma ba supile fa ba tshwenngwa ke lebaka le le tsewang ba sa thusiwe. Motshwarelela mookamedi wa ofisi ya temo-thuo wa kgaolo ya legare, Rre Moagi Sinombe, a re ke boammaruri dihutshane di palo potlana mo kgaolong ya legare mme go se motlhofo go thusa ka nako baikopedi ba lenaneo la nyeletso lehuma le LIMID. Rre Sinombe a re peo ke setshidi, e tlhoka bokgola go ntsha maduo. A re mmidi ke sengwe sa dimela tse di tlhokang metsi a mantsi. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Goya o gwetlha dikereke go rapelela lefatshe Mothusa tona wa thuto ya motheo e bile e le mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya o gwetlhile dikereke go tswelela di rapelela lefatshe la Botswana. A re jaaka Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama a ne a rapela kwa boipusong jwa dingwaga tse di masome matlhano ngogola, dikereke le tsone di tshwanetse go tswelela di rapelela lefatshe. Rre Goya o buile jaana kwa moletlong wa Paseka wa Kereke ya Eloyi Christian Church kwa Tsetsebjwe ka Labotlhano, kwa a neng a tlhalosa gore Paseka ke nako ya go gakologelwa le go leboga, le go utlwa molaetsa wa papolo, tsogo le go rula ga Morena Jesu. A re dikereke di rapelele itsholelo ya lefatshe gore e tsoge, e phatsime, e gole le gore pula e ne jaaka e nele bosheng. Rre Goya a re puso e ne gape ya ntsha lenaneo la Tebelopele ya 2036 mme a kopa Batswana le dikereke go rapelela maitlamo a lenaneo le gore a kgonagale jaaka e le keletso ya puso go nyeletsa lehuma. Rre Goya o ne a rotloetsa dikereke go rapelela Batswana botlhe gore ba nne le mowa wa kagiso, bonatla, boipelego, botho, tlotlo le lorato jaaka lokwalo lwa Bakorintha lo bua. Rre Goya a re fa mebele, dipelo le mewa ya Batswana e ka huma ka merapelo dikgwetlho di tshwana le go wa ga itsholelo, letlhoko la mebereko, malwetse le tse dingwe di ka fela. A re Batswana ba tshwanetse go nna le bopelotlhomogi, a kgothatsa dikereke go tswelela ka go tsenya letsogo mo ditirong tsa bopelotlhomogi, ka e bile e le thomo e kgolo ya kereke. Rre Goya o ne a rotloetsa dikereke go tsenya seatla mo mererong ya thuto gore lefatse le nne le tshaba e e rutegileng. Rre Goya o ne a ntsha ditilo di le masome a matlhano go thusa Kereke ya Eloi le P50 000 yo o tlaa thusang moruti go tsamaya lefatshe ka bophara go rera lefoko la Modimo. E rile a ema go fa balatedi ba Eloyi molaetsa wa paseka, Bishop Jakoba Sekai a tlhalosa fa lebaka le legolo le le dirang gore Bakeresete ba bo ba kokoane ka paseka ke lorato lwa Modimo lo a lo supileng gore batho ba kgone go gololwa mo dibeng. Kgosi Dialwa Motsamai wa Tsetsebjwe o tlhalositse fa Tsetsebjwe a segofaditswe ka dikereke tse di mo motseng ka di tshwaragane le bogogi go bopaganya morafe. Kgosi Motsamai a re Eloi e tswa kgakala e supa mowa wa lorato le kutlwelobotlhoko ka go thusa ba ba dikobo dikhutshwane. A re se se tsamaelana le maitlamo a puso a go thusa ba ba sa kgoneng go itirela. Kgosi Motsamai o ne a tlhalosa fa maduo a bana a sa itumedise mme dikereke di tsentse letsogo go bua le baeteledipele le bana ba dikole mo e bileng mo nakong ya gompieno seemo se nametsa. Kwa bofelong mothusa modulasetilo wa Eloyi, Rre Otukile Chaikhwa o ne a tlhalosa fa kereke e dirile lenaneo la dingwaga tse tharo le e leng lone le ba tlaa le salang morago go netefatsa gore maitlamo a bone a a diragala. Rre Chaikhwa a re dingwe tse ba tlaa itebaganyang le tsone ke go ntsha banana mo mekgwatheng, tirisano mmogo le puso le go lwantshana le lehuma le le tshwenyang Batswana. E ntse e le mo go one malatsi a papolo, go tswa kwa BobonongPauline Mothudio bega famodulasetilo wa khansele ya Bobirwa, Rre Nathaniel Moribame a gwetlhile Kereke ya Bautwi ba lefoko Zion Church of God go nna sekao mo setshabeng jaaka leina la kereke le bolela. Rre Moribameyo gape eleng mokhanselara wa Molalatau, o tlhalositse fa kereke e tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go aga maitsholo a setshaba ga mmogo le tlhabololo matshelo. O boletse fa kereke e tlamega go tshwaragana le puso mo go okeleng banana mo kerekeng le go rotloetsa banana go ema ka dinao, ka Setswana sa re maoto a nong ke phofa. A re kereke e tshwanetse go nna le seabe se setona mo go rotloetseng go nna tshaba e e lorato e bile e kgathala, go itsa dikgang tsa dipolaano tsa baratani. Rre Moribame o tlhalositse fa seabe sa dikereke se le segolo mo go tokafatseng matshelo a batho ga mmogo le go tshwaragana le puso. A re puso e supile fa e tlotlomatsa Sekeresete mo lefatsheng leno ka e rile e bona fa pula e sa ne ya bitsa diphuthego tse di farologanyeng tsa dikereke go ya go rapelela pula kwa letamong mme ya re morago dipula di sena go na, ya bitsa diphuthego tsa sekeresete go ya go leboga Modimo. O tlhalositse fa kereke e na le motlhala o montle mo ditsong ka e ruta batho setho mme se se dire gore borukutlhi bo fokotsege. Mokwaledi wa kereke, Mme Bokhutlo Ramalebogo o tlhalositse fa kereke ya bone e tlhamilwe ka 2003. Ntlokgolo ya kereke e e kwa Bobonong,e na le makalana a le masome mabedi le bone mo borwa jwa Afrika. Mme Ramalebogo a re kereke e tsweletse ka go diragatsa matshego mangwe a Vision 2016 ka go abela batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. O tlhalositse fa kereke e, e kile ya abela batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng mo metseng e tshwana le Bobonong, Moletemane, Rasesa le e mengwe. Mookamedi wa kereke, Bishop Pogiso Modikwa o tlhalositse fa dikgakololo tse modulasetilo wa khansele a di ba neetseng di tlaa ba gwetlha gore ba dire go menagane go tlhabolola kereke, ka jalo a supa fa ba tlaa tshegetsa dikgakololo tsa modulasetilo wa khansele. BOPA religion_and_belief 8 Barui ba Tshetlho ba atolosa letamo Baagi ba masimo a Tshetlho ba itshwaragantse go atolosa le go teratela letamo go leka go hema seemo sa letlhoko la metsi se se neng se ba apere. Mo potsolotsong bosheng, Mme Kutlo Mediamere, o ne a tlhalosa fa tiro ya boithaopo e se ya ntlha mo masimong a bone. A re ka ngwaga wa 2014, ditlou di ne tsa tlhasela masimo a bone tsa kgaola terata ya letamo le go katela letamo ga sala e le seretse fela le motshotelo wa tsone. A supa gore ngwaga wa 2015 o ne wa fela ekete ba itlhobogile, mme ya re lenyora le simolola go gakala ba kopanya ditlhogo gore ba dira jang mo ngwageng one o. Ka bangwe ba bone e le babina tlou ba dumalana gore ba katolole letamo ba ntshe seretse sa ditlou ka e le sereto sa bone selo se se neng sa dumalanwa ka bongwefela jwa pelo. Tiro ya simololwa, mme ka bontsi e ne e le bagolo ba bona gore tiro ya go katolola ka dikotlele e bokete ba dumalana gore monni mongwe le mongwe a ntshe podi gore go tle go kgonwe go hira katakata go epololola letamo. Mme Mediamere, leloko la komiti ya phutho ya dipodi, a supa fa go ne ga ntshiwa dipodi di le lesome le bobedi tse ba ileng ba di rekisetsa ba lenaneo la ofisi ya nyeletso lehuma, mme tsa ba fa madi a a kana ka P8 400 ba kgona go epa letamo la bone gape. Mme Sekgarametso Olefile a re ba sale ba filwe letamo le Ke Rre Kgosietsile Monthe ka ngwaga wa 1985, go fokotsa letlhoko la lenyora mo masimong a bone. Mongwe wa banni Keitirele Malefho o, ne a tlhalosa fa kepo ya letamo le ya ntlha e tsile ka nako ya fa Mme Dr Gaositwe Chiepe e sa ntse e le mopalamente wa bone, yo ba tlhalosang fa a tsere karolo mo kepong e ka a ne a tlhokometse thata le go ba rotloetsa mo go epeng letamo le. O tsweletse ka go tlhalosa gore fa ba epa letamo le Mme Dr Chiepe o ile a buwa mafoko a gore “letamo le, ke la phoisane ya motho le podi fela, mme dikgomo le ditonki di tlaa nwa ko megobeng.” Baagi ba masimo a ba supile gore ba ne ba ithaopa mongwe le mongwe a tla ka kiriba ya gagwe le garawe go tla go epa letamo. Ba tlhalositse gore ko morago ba lephata la temo-thuo ba ne ba feletsa ba ba thusitse ka go ba fa didirisiwa di tshwana dikiriba, dilepe le digarawe go dira tiro ya bone motlhofo. Ka nako eo ba bona gape le thuso ya ba “ Namola Leuba” go epa letamo la bone le mo nako ya gompieno ba le bitsang fela bare Namola Leuba. Ka letamo le le simolotswe le ageletswe ka matlhaku, mo tsamaong ya nako ba ne ba fiwa terata ke puso ba kgona go agelela letamo la bone. Ba supile fa bangwe ba bone ba ile ba isiwa sekoleng sa go dira terata le go rutwa ka letamo kwa Mahalapye ke ba komiti ya balemi (farmers committee). Mongwe wa banni ba masimo ao o tlhalositse gore nngwe ya dithuto tse a di amuleng mo go ba ba neng ba isitswe sekoleng mabapi le dikgang tsa letamo e nnile gore ditlhare tse di fa thoko ga letamo ga di kgaolwe ka di sireletsa phefo le letsatsi mo metsing. Ba supa gape gore le ba komiti ya balemi, modulasetilo Rre Tsogo Kelebiditse le Rre Lediretse Mpetlang ba ile ba ba kopela ba lenaneo la Ipelegeng le ba neng ba le dirisa go epa letamo ba rema le go tsosa terata e e neng e kgaotswe ke ditlou. society 9 Ba abetse ba-na-le bogole dimpho E rile bosheng kwa Paje, ba-na-le bogole ba le babedi, Mme Boitshwarelo Mmopa wa molwala tlhaloganyo le Boineelo Tsalayabotshelo wa motlhoka pono ba abelwa dimpho. Molomaganyi wa mokgatlho wa ba-na-le bogole kwa Serowe, Mme Punnie Koloi o tlhalositse fa mogolwane wa marekisetso a Serowe Maxi Save, Rre Mahbub – Alam a ne a ikopanya le ene go mmatlela ba-na-le bogole go ba thusa ka a na le keletso ya go dira jalo. Mme Koloi o tlhalositse fa bana ba ba simolotse go amogela dithuso ngwaga o o fetileng ka Sedimonthole, a bolela gore pele ba ne ba ba thusa ka melora, morago ba ba fa dijo. Fa a ntsha la gagwe, Rre Mahbub - Alam a re o bone go tshwanela go thusa ba-na-le bogole ka go sena ka fa ba ka itirelang ka teng ntswa le bone ba na le matlhoko e bile ba tshwanetse go a fitlhelela. Rre Alam o tlhalositse fa a dumela gore go thusa motho go tshwanetse ga tswa mo boteng ja pelo ka go bo tshegofatso ya teng e tlaa tswa kwa Modimong. O tsweletse a tlhalosa fa keletso ya gagwe e le go tswelela a thusa ba-na-le bogole e bile a batla gore mo isagong a bo a okeditse palo ya ba a ba thusang kwa Paje. O boletse gore o lekola bana ba gangwe le gape go bona ka fa seemo sa bone se fetogileng ka teng. Mme Koloi a re go bo a tlhophile bana ba, o bone ekete ba-na-le bogole ba Paje ga ba bone dithuso sentle ba tlhokomologilwe fela. A re ba ikaelela go thusa bana ba gore ba seka ba tlelwa ke mowa wa boitlhobogo e bile ba ipone e le batho fela jaaka mongwe le mongwe. O tlhalositse gore ga se gore ba felela fela kwa Paje mme ba tlaa tswelela ba thusa mo dikgaolong tse dingwe. E rile a amogela dimpho mo boemong ja ngwana, mmagwe Boitshwarelo a tlhalosa fa botshelo bo ne bo le bokete pele ba bona thuso, mme jaanong bo tlhofofetse ka Modimo o ba tsiseditse baithaopi ba ba mo imolotseng morwalo. BOKHUTLO society 9 Mokgatlho wa BMW o simolodisitswe kwa Selebi phikwe Mokgatlho wa BMW kwa Selebi Phikwe o kwadisitswe ka fa molaong go itebaganya le go fetola matshelo a batho. Fa a buwa kwa tshimolodisong semmuso ya mokgatlho o, le go abela Mme Morekwa Kaoma wa Botshabelo dimpho, Modulasetilo wa mokgatlho, Rre Kelapile Kolagano a re bane ba bona go le botlhokwa go tlhopha mongwe yo o nang le botlhoki gore e re ka lone letsatsi leo ba bo ba mo abela tse ba tla a bong ba di mo diretse. A re ba kgonne go penta matlo a ga Mme Kaoma, go mo agela ntlwana ya boitiketso le go agelela lelwapa lwa gagwe ka thuso ya bommaboipelego. Mme Morekwa ke mongwe yo go supafetseng fa a sa tsoge sentle ga mmogo le ba a tshotsweng nabo. Rre Kolagano a re mokgatlho wa bone ga se o o dirang dipoelo, mme ba tla tswelela ba thusa fa go supafalang gona le botlhoki go ne gore motho wa go nna jalo a kgone go nna le seriti. Rre Kolagano o ne a tlhalosa fa mokgatlho wa BMW o ne wa tlhamiwa morago ga go bona dikotsi tsa ditsela di diragala di le dintsi mme matshelo a batho a latlhega. Rre Kolagano o ne a re mo nakong e ntsi go ne go supafala fa dikoloi tsa modiro wa BMW e le tsone tse gantsi di neng di amega mo dikotsing, mme seo se sa ba jese monate. A re maikaelelo a bone ke go rutana e le bakgweetsi ba dikoloi tseo, go ipabalela mo tseleng le go babalela badirisi ba bangwe ba tsela. Rre Kolagano o tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go dira thata le ba sepodisi go tshwaraganela go ruta setshaba go nna le boikarabelo mo tseleng. Rre Oabile Mokgosi yo eleng modulasetilo wa mokgatlho wa BMW go tswa Francistown, o ne a re maikaelelo a bone ke go fetola dikakanyo tsa batho tsa gore bakgweetsi ba dikoloi tseo ga ba na boitshwaro jo bo siameng. E rile a leboga, Raboipelego Modiri Mmusi, a kopa ba mokgatlho wa BMW le mo mafelong a a kwa ntle ga Selebi Phikwe go tswelela ba thusa, ka go supagetse fa batho ba le bantsi ba santse ba tshelela mo lehumeng, a tlhalosa fa puso e ka se kgone e le nosi. BOKHUTLO society 9 Komiti e iteelwa legofi Badirela puso ba kgotlana ya Lodubeng mo Kanye ba mokgatlho wa Ntebele ke go lebele ba akgoletswe tirisanyo mmogo. Go buile jalo dibui ka go farologana morago ga gore komiti eo e thuse mo patlong ya monna mongwe wa dingwaga tse di masome a matlhano le borataro yo a neng a timetse bosheng mo Kanye. Monna yoo go bolelwa a tlholega kwa motseng wa Mokobeng kwa Tswapong, mme ka a sa tsoge sentle ngwana wa gagwe a mo tseetse mo Kanye kwa a direlang teng go thusa ba lelwapa go mo oka. Go utlwala fa rre yoo a ne a tswa mo lwapeng ka Sontaga a itsamaela fela go fitlhelela a bonwa kwa molapong wa Taueshele, kgakajana le Kanye bosheng. Mongwe wa maloko a mokgatlho oo Mme Sadi Modikwe a re fa a sena go utlwa fa leloko lengwe le timeletswe ke motsadi o ne a leletsa yo mongwe gore ba mo tswe thuso. Mme Modikwe a re ka go ne go setse go le bosigo ba ne ba bitsa bangwe ba borre ba le babedi le modulasetilo, mme ba simolola patlo. A re e re ka e se gantsi e re motho a timetse a bo a bonwa a santse a tshela ba bone go tshwanela gore ba ikakgole. Fa a ntsha la gagwe Rre Lesika Mosarwa a re fa go na le mathata a tsibogelwe ka bofefo,go bo go begelwe kgosi le mapodisi. A tlhalosa fa go santse go na le bangwe ba ba felang pelo fa ba bodiwa ka ga motho fa a timetse. A re se se supa gore morafe o tlhoka go rutwa ka tirisanyo mmogo bogolo jang ka nako ya mathata a a tshwanang le a. Rre Mosarwa a re sengwe se se batlileng se ba fatlha ke gore mapodisi ba bo ba re ba na le sebaka se ba se beileng gore go ka tsewa tshwetsoya gore motho o timetse go na le go tsiboga. Kgosana ya Tetlanyo Rre Modietsho Mathiba mo boemong jwa ga kgosi Malope II o ne a lebogela mokgatlho oo go bo ba bopagane. Rre Mathiba a re komiti e e dirile tiro e kgolo ebile ba supile lorato, mme a ba kopa go tswelela fela jaaka ba dirile. A re go utlwala fa ba ne ba batla rre yoo ka bojotlhe selo se a reng Modimo o tlaa se ba segofaletsa. Fa a bua mo boemong jwa mapodisi Insepector Kebadire Mmopi le ene o ne a leboga komiti eo a ba a tlhalosa fa e gaisa di le dintsi mo Kanye. BOKHUTLO society 9 Kopelang o itshetsa ka dijo tsa setso Mme Margret Kopelang ke mme yo o itshetsang ka kapei ya Setswana e gongwe bangwe ba sa boneng e ka nna kgwebo. Mme Kopelang o tlhaloseditse BOPA, fa a sale a inaakantse le kgwebo e ka 2 000. A re o thaile fela a hirirsetse caravan a apeela mo go yone mme ka nako eo o ne a sa tlhaole gore o apaya dijo dife. Mogwebi yo, a re o ne a simolola a apeela baagi, mme ya re morago a bona phatlha fa a ka apeelang teng go bapa le ntlo lehalahala ya Lady Khama Community ka 2002. A re ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa phiriso di ne tsa mo koba mo lefelong leo mme go na le go ineela, a ikanya go apeela kwa lapeng. “E rile ka 2010 ka simolola go apeela dijo tsa setso kwa lapeng ke di tsisa e le tsa motshegare fela mo maemelong a dithekisi,” ga bua Mme Kopelang. Dingwe tsa dijo tse a di apayang ke lehata la mpswapswa le la korong, bogobe jwa lerotse, lephutshe le jwa lebelebele ga mmogo le morogo wa Setswana. Mme Kopelang a re bontsi bo kgatlhegela dijo tsa gagwe fela thata, a supa fa bangwe ba tswa kwa mafelong a a kgakala go tla go reka e bile a seke a boela lwapeng ka dijo. O supile fa mokgwa o a apayang dijo ka one e le one kgogedi mo bareking. Mme Kopelang o supile fa a ise a bone thuso go tswa mo pusong mme se e le maiteko a gagwe fela ka ga a itebe diatla. A re katlego ya gagwe ke ya tlhaloganyo ka a ise a e sekoleng sa kapei. “Mo tirong e, ke thusiwa ke ba lwapa lwame ka gore ke bone bajaboswa,” Mme Kopelang a tlhalosa. A re o itemogetse mosola wa dijo tsa setso ka a di lema mme a rekise thobo, ka jalo dipoelo di nne botoka ka ditshenyegelo di le kwa tlase. O supile fa nngwe ya dikgwetlho gantsi e le go tlhoka dingwe jaaka morogo kana marotse fa a sena thobo. O rotloetsa Batswana go itshimololela dikgwebong ka bonnye jo ba nang najo, e seng go inyatsa. BOPA economy_business_and_finance 3 Mogwera o ineetse mo temong Pele fa a tsenelela kwa teng mo go itshetseng ka temo, Rre Ookeditse Mogwera wa kgotla ya Thagana kwa Maunatlala mo kgaolong ya Tswapong Bokone, o ne a sena lesedi le lentsi la temo. E rile a tlhalosa mo potsolotsong bosheng, Rre Mogwera yo e leng molemi wa masimo a Sesarweng go bapa le Maunatlala, a re, o nale dingwaga di le mokawana a ntse a lema mme o simolotse a gasa. A re ga go a mo tsaya dingwaga dipe fela a bo a fetogela go gasa a tsena mo temong e e tlhabologileng. O tsweletse a re o nnile le kgatlhego ya go lema ka batsadi ba gagwe le bone e ne e le balemi ba batona, mme bone ba lemela go jela mo ganong fela. A re o kgatlhegetse temo mo a neng a simolola ka go reka polantere pele ga a ka reka terekere. Rre Mogwera o tsweletse a re, fa a sena go reka polantere, o ne a tswelela a reka diterekere di le pedi. A re mo nakong eo, ke fa a tsenelela tota mo temong. A re,e ne ya re morago a reka didirisiwa tse dingwe tsa temo di akaretsa mogoma, motshine o o gasang menontshane, o o tlhagolang le metshini e e robang. Rre Mogwera o boletse fa a lema mmidi, lablab le dinawa go dira dijo tsa dikgomo ka a nale dikgomo tse dintsi mme di tlhokana le dijo tse di siameng. A re, dijo tse dingwe tsa dikgomo o a di rekisa mme a boelwe fela thata. A re, gore tiro ya gagwe ya go dira dijo tsa dikgomo e nne motlhofo, o ne a reka motshine o mongwe o o baakanyang lablab go ya ka mephuthelwana le o o silang dijo tsa dikgomo tse dingwe. Rre Mogwera o tsweletse a re, didirisiwa tsotlhe tsa temo o ne a di reka ka thotloetso ya molemisi ka a ne a lemoga fa a nale kgatlhego mo go lemeng. “Fa e ne e se ka thuto e ntsi e ke e filweng ke molemisi wa Maunatlala ke kabo ke se fa ke leng teng mo nakong eno”, ga bua jalo Rre Mogwera. O boletse fa kgatlhego ya gagwe e le ntsi mo temong ka a tsweletse ka go adima ditshimo tsa ba ba sa lemeng mme a di agelela abo a di rema gore a di leme. A re, mo nakong eno, o lemile diekere di le masome a ferabobedi mo ditshimong di le nne. A re, fa a sena go roba, go tswa fela mo go ene gore o batla go fepa leruo la gagwe ka eng. O tlhalositse fa mo dinakong tse dingwe a tshwanelwa ke go fepa dikgomo tsa gagwe go di nontsha mme fa gongwe go tlhokana le gore a di fe dijo tsa tsone tsa letsatsi le letsatsi. O tlhalositse fa dijo tsa dikgomo tse a di lemang di mo tlhofofaletsa tiro ka gonne fa a ne a sa di leme o kabo a di reka. Rre Mogwera, yo o dingwaga di masome a matlhano le bosupa, o boletse fa go sena sepe se se salang fa a sena go roba dijwalo tsa gagwe. “Fa ke sena go roba mmidi, ke bo ke dira dijo tsa dikgomo, ke dirisa letlhaka la one go dira dijo tse dingwe”. A re, o tlhabolola temo ya gagwe ka go ithuta mo baleming ba bangwe ba ba lemang ba tlhoafetse bogolo jang ba mafatshe a a mabapi jaaka Aferika Borwa. O tsweletse a re, fa go nale bokopano jwa balemi kwa Aferika Borwa o etela teng go ithuta mo go ba bangwe mme a felele gape a etela ditshimo tsa bone go bona ka fa ba dirang ka teng. Rre Mogwera a re, didirisiwa tsa temo tse a nang le tsone jaaka motshine o o robang le o o kgobokanyang lablab fa e sena go kgaolwa, o simolotse go e bona la ntlha kwa Aferika Borwa mme a kgona go e reka kwa Brazil. A re, ntswa go lema go nale dikgwetlho jaaka diphetogo tsa loapi le diji, o tsweletse fela ka go dira go bo go siama. Rre Mogwera a re, o thusa balemi ba ditshimo tse di bapileng le ya gagwe ka a batla ba nna mo seemong se a leng mo go sone. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Makalana a simolotse dipatlisiso E re jaaka Motswana a rile kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa,ba lephata la botsogo, ba lekgotla la Botswana Havard le ba Centers for Disease Control ba bone go le maleba go tshwaraganela kgetsi ya tsie mabapi le go lwantsha bolwetsi jwa segajaja jwa HIV/AIDS. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla ka Labone kwa Letlhakeng, mogolwane wa ba ba itebagantseng le go ikgolaganya le morafe, Rre Vusi Ndaba o kaile fa tshwaragano ya bone e le nngwe ya mananeo a a tlatsang a a leng teng mo go lwantsheng le go laola bolwetsi jwa HIV/AIDS, a supa fa ba sa sutise a leng teng. Rre Ndaba a re ba simolotse lenaneo la bone le le itebagantseng le go dira dipatlisiso ka bolwetsi jwa HIV/AIDS. O boletse fa ba tla dirisa mothale o sele wa go tsena ntlo le ntlwana go kopa go tlhatlhoba batho mo malwapeng a bone. O boletse fa ba tla kopa go tlhatlhoba banni ba malwapa a ba tlaabong ba a etetse mme e bile ba sa pateletse ope, a tlatsa ka gore se ba se kopang fela ke go bona banni ba tsaya karolo. Rre Ndaba a re ba bone go le botoka go isa ditlamelo kwa bathong eseng go di feletsa kwa ditoropong, a tlatsa ka go bolela fa ba ne ba gwetlhile le ke go bona didirisiwa tse ba nang le tsone di ka se kgone go lekana lefatshe lotlhe. O kaile fa motse wa Letlhakeng o ne wa nna mongwe wa metse le metse-selegae, mo go e e masome mararo e e tlhophilweng go direlwa dipatlisiso tse mo go yone. A re dipatlisiso tsa bone ba tlaa di dira ka seelo sa 20% sa banni ba Letlhakeng ngwaga ono mme ba boe ba tle go feletsa 80% ngwaga o o latelang. O boletse fa gape ba thapile batho bone ba ba tla tsamayanag ntlo le ntlwana ba dira dipatlisiso tse, a tlatsa ka gore ga ba tlhophe lelwapa la ga ope ka kitso ya fa le amilwe ke bolwetsi jo. O tsweletse a supa fa batho ba ba thapilweng e le ba ba rutetsweng tiro ya go dira tse ba tlaabong ba di dira ka nako ya dipatlisiso tse. A re botlhe ba ba tlaabong ba tsere karolo mo dipatlisisong tse, ba tla thusiwa ka lenaneo la go nwa dipilisi tse di ritibatsang mogare fa ba ka tshwarwa ka one, le go fiwa dikgakololo le tshidilo maikutlo kana fa e le bo mme ba ba itsholofetseng ba rotloediwa go tsenelela lenaneo la go kganelela mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa leseeng la Prevention of Mother To Child Transmition (PMTCT). O ne a kopa morafe go dirisanya le ba ba tlaabong ba dira dipatlisiso tseo ka ba tlhokana le dipalo go itse seemo le kanamo ya bolwetsi jwa HIV/AIDS, a tlatsa ka go bolela fa dipatlisiso tse di simolotse mme di tla tsaya sebaka sa dikgwedi tse pedi. health 6 Thupa kalafi ya botlhoka tsebe Kgosi Kebelaele Siame wa kgotla ya Borakalalo kwa Molepolole a re o dumela fa go kgwathisa e le yone tsela ee botoka ya go tsenya batlhoka tsebe mo tseleng. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Siame o kaile fa kgotla eo e tsweletse ka go sala morago tsamaiso ya gore yo o dirang molato, a bilediwe kwa kgotleng go ya go kgwathisiwa ntle le kgethololo ya bong. A re kgotla ya gagwe e tswa kgakala e itsege ka botlhokatsebe, mme a tlhalosa fa bo fokotsegile thata morago ga gore moretlwa o simolole go lela. A re pele, kgotla eo e ne ele yone e nang le marekisetso a dinotagi a mantsi mo Molepolole, mme seo se oka banwi ba bojalwa go tswa kwa dikgotleng tse dingwe. Kgosi Siame a re kgotla eo e sa le e senyegile gone foo, go fitlhela marekisetso a nnotagi a anama le motse mme seemo sa borukutlhi sa fokotsega, bogolo jang ka kgotla eo e ne ya emela botlhokatsebe ka dinao ka go letsa moretlwa. A re lefa ntswa go santse go na le manotonyana a a santseng a tsweletse ka go tlhoka tsebe, kgotla eo e fetogile e bile e kgona go laolesega ka badira molato ba tshaba thupa. A re o jesiwa diwelang ke gore dibara di fokotsegile thata kwa kgotleng eo, e bile mesepele ya masigo le yone e ile tlase, a tlatsa ka gore kgotla eo jaanong e simolotse go nna le leina le lentle e bile ea tshephiwa mo go kgalemeleng botlhokatsebe. Kgosi Siame a re sekole se segolwane sa Kgari Sechele se kopa thuso mo go bone nako le nako go laa baithuti ba ba tswang mo tseleng ka moretlwa. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Morero o dia go bulwa ga maemelo a di bese Modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Jeffrey Sibisibi, a re go bulwa ga maemelo a dibese kwa Molepolole go diilwe ke thulaganyo ya go rerisanya pele le ba ba amegang. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa borakalalao bosheng, Rre Sibisibi a tlhalosa fa kago ya lefelo leo e weditswe, mme khansele e tlamega go netefatsa pele gore botlhe ba ba amegang ba rerisiwe ka fa tshwanelong. Modulasetilo o kopile morafe go nna pelotelele mme ba solofele fa morero o tlaa wediwa mo nakong e e sa fediseng pelo mme lefelo la maemelo a dibese le tsene mo tirisong. Rre Sebisibi o kopile morafe go begela khansele tshenyo ya dikago e e ka tswa e bakilwe ke go dirwa ga maemelo ao gore go dirwe ditshekatsheko go batlisisa bonnete jwa kgang eo. Batho bangwe ba kgaolwana ya Borakalalo ba lela ka gore ba thubegetswe ke matlo le gore metsi a a sa laolesegeng a ba tsenelela mo malwapeng ka gore tiro eo e tswetse mesele e e laolang kgopho ya metsi. morago ka mabaka a gore dilo di ne di sa tsamaya sentle, mme di supa gore se se lolameng se tlaa salwa morago go netefatsa gore dilo di direlwa mo pontsheng. Mme Babedi Gokgang ene o kopile boeteledipele jwa morafe wa Mokwena go tsenya leitlho go batlisisa bothata jo bo bakang kwelo tlase ya maduo a sekole sa Kgari Sechele, a re o tlhobaela gore a jaana ruri barutabana ba sekole seo ba sa adima tshwene marapo le fa gone boitshwaro jwa baithuti bo ka tswa bo na le seabe ka tsela nngwe. A re seemo sa Kgari Sechele se a tshwenya, mme ka jalo a kgothatsa boeteledipele go loga maano a ka fa seemo go ka itepatepanngwang naso ka teng le gone go thusa go tsosolosa mowa wa kgaisano e go lebegang o tlhaela mo tsamaisong ya sekole seo. Mabapi le kgang ya ga Mme Ndintiwe Mabutho, gore ditsha tse disha gaufi le lebala la ditshupo di tshwanetse go nna le leina go di farologanya le tse dingwe, morafe wa kgotla ya Borakalalo o atlile mogopolo wa kgosi ya bone Rre Sesiane gore lefelo leo le bidiwe Sesha, go supa fa ditsha tseo e le tsa peo ya sesha. Mabapi le gore kgaolo eo e sa tsenyediwa metsi, modulasetilo Sebisibi o ne a tlhalosa fa a dumela gore go wediwa ga moalo wa ditogamaano tsa motse wa Molepolole go tlaa thusa go rarabolola bothata jwa batho ba kgaolwana eo. Mokhanselara wa kgaolwana ya Borakalalo, Rre Arafat Khan ene o ikuetse mo boeteledingpele jwa Mokwena go tlhotlhomisa tiriso ya diofisi tsa TEBA tse di kwa kgaolwaneng ya Borakalalo gore ke tsa ga mang, di dirisediwa eng ke mang le gore di amana jang le morafe wa Bakwena. Mokhanselara a re o dumela fa dikago tseo di sa tshwanela go itlhokomolosiwa go se ope yo o tlhaloganyang ka ga tsone, mme o dumela fa nako e gorogile gore go batlisisiwe gore TEBA yo mogologolo o teng jang ka e bile go kailwe fa lefelo leo le le leswe, le sena tlhokomelo e bile le ka oka le jone borukutlhi. politics 7 Tumalano e thibela tsietso kwa tirong Molaodi wa kgaolo-potlana ya Lentsweletau-Molepolole Mme Ikgopolelng Lekoape a re babereki ba tshwanetse go tsena mo tumalanong ya mokwalo le bahiri ba bone pele fa ba simolola tiro. E rile a araba makhanselara mo phuthegong ya khansele beke e e fetileng, Mme Lekoape a re go sa direng tumalano ya mokwalo go felela go baya babereki ka fa mosing, e bile go baya ba ofisi ya pereko mo dipharagobeng fa go tla gore ba thuse go rarabolola motlhang mohiri le mohiriwa ba nnang le kgotlhang. Mme Lekoape a re fa bobedi jo bo nnile le ditumalano ka mokwalo go nna motlhofo go thusiwa kwa diofising tsa pereko a tlhalosa gore le fa ditsamaiso tsa teng di kgona go tsaya lobaka mme fela phelelong motho o bona thuso. O ne a fa sekai sa gore fa kompone e jelwe, go na le ditsamaiso tse di salwang morago pele ga go ka rekisiwa didirisiwa go duela babereki mme a re tsamaiso e e nna dingalo fa go sena tumalano ya mokwalo magareng ga mohiri le mmereki. Mo go tse dingwe Mme Lekoape o ne a tlhalosa fa go sena phimolo dikeledi go tswa mo pusong fa batho ba senyeditswe ke diruiwa ka jaana di na le beng ba tsone ba ba tshwanetseng go di tlhokomela. Mme Lekoape o ne a araba morago ga gore makhanselara a supe matshwenyego ka fa dikompone tse di ikemetseng ka nosi di tsayang badiri ba tsone ka teng. Ba ne gape ba supa fa babereki bao ba berekela mo diemong tse di sa sireletsegang. Makhanselara gape a ne a tshwenyegile ka tshenyo e e dirwang ke diruiwa a re ba ba senyeditsweng ba tshwanetse go phimolwa dikeledi. society 9 Kgathi o itumelela tirisano mmogo Mopalamente wa Bobonong Rre Shaw Kgathi a re o itumeletse tirisano mmogo ya gagwe le baeteledipele ba maphata ga mmogo le magosi a kgaolo ya gagwe. Tona Kgathi, yo e bileng e le tona wa itshireleto, molao le thokgamo, o buile jaana fa a laela baeteledipele le magosi kwa Bobonong bosheng, a tlhalosa fa a sena go nna mopalamente wa kgaolo morago ga ditlhopho tsa setshaba ka a ne a seka a atlega mo go tsa peo-lotlhokwa tsa BDP. A re le fa go ntse jalo, o itumelela go bo a kgonne go ngokela ditlhabololo mo kgaolong ya gagwe, di akaretsa go agiwa ga kampa ya sepodisi kwa Semolale, borogo jwa Platjaan le molelwane wa Mabolwe. Rre Kgathi a re go solofetswe fa mo nakong e e sa fediseng pelo, go tlaa dirwa tsela e e lomaganyang Moletemane le Tsetsebye ka P53 million. O tlhalositse fa puso e tlotla dikgosi ka go ba ema nokeng go dira tiro ya bone ka manontlhotlho. A re dikgosi tsa gompieno bangwe e sa le banana mme se, se supa kgolo ya bogosi. Rre Kgathi o kopile Batswana gore ba seka ba latlhegelwa ke ngwao ka e le botlhokwa. Baeteledipele ba maphata le dikgosi ba supile fa ba itumeletse ditlhabololo tse Rre Kgathi a ba di diretseng kwa kgaolong ya Bobonong. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa ditlhabolo go tswa kwa khanseleng, Mme Malebogo Magano o tlhalositse fa go na le ditiro di ferabobedi, go aga le go ntshafatsa dikago mo dikoleng tse dipotlana mo kgaolong ya Bobonong. Ditiro tse a re di dirwa ka lenaneo la go rudisa itsholelo mme madi a dikago tse disha mo dikoleng tse nne tse di tlhophilweng a ka tshwara P8m fa tse di ntshafadiwang madi a tsone a ka tshwara P5.8m. Mme Magano a re ditiro tse tsotlhe di setse di dirisitse P4m mme kgatelopele ya tsone e tsamaya fa go 49.4 mo lekgolong. Mogolwane wa ditlhabololo wa ofisi ya ga molaodi, Rre Claude Batsile o tlhalositse fa ba ne ba na le mananeo a ba neng ba a ipeile pele mo kgaolong ya Bobonong jaaka go atolosetsa metsi kwa metseng go tswa kwa letamong la Thune. O supile fa metse e le tlhano mo go e le lesome e setse e enwa metsi a letamo la Thune go similola ngogola ka Phukwi. O tlhalositse fa metse e e setseng e tlaa gokelwa fa kabo ya ditirelo e sena go dirwa mo ngwageng ono wa madi. society 9 Ba Masunga ba farologana ka megopolo Banni ba Masunga kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba dule ka maikutlo a a farologaneng mabapi le molao kakanyetso wa go sekasekiwa ga molao wa matimela. Banni ba supile seo fa ba akgela mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Peter Siele bosheng, e maikaelelo a yone e neng e le go tsaya megopolo mo banning ka se se ka dirwang mabapi le go sekaseka ditshetlana tse di ntseng di le teng tsa molao wa matimela. Banni bangwe ba dule ka mogopolo wa gore boikarabelo jwa matimela bo tlogelwe bo le ka fa tlase ga dikhansele jaaka go ntse, mme fela go fetolwe ditshetlana dingwe, jaaka madi a a lefisiwang barui fa ba golola dikgomo tsa bone kwa matimeleng. Bangwe ba ne ba re boemong jwa P5.00 o morui a o lopiwang letsatsi le letsatsi fa kgomo ya gagwe e tshegeditswe e bile e tlamelwa kwa matimeleng, madi ao a okediwe go nna magareng ga P10 le P20 tsatsi le letsatsi. Bangwe bone ba ne ba re bogolo dikgwedi tse di beilweng tse thataro tsa gore morui a bo a rekolotse kgomo ya gagwe pele e ka rekisiwa, di fokodiwe go ya kwa go tse tharo, le gore go dirwe thulaganyo ya gore ba matimela ba nne ba ikgolaganya le ba lekalana le le dirang ditshipi tsa leruo go bona gore leruo le ba le tshegeditseng ke la bo mang gore ba kgone go itsese beng nako e sale teng. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ne ba tswa ka mogopolo wa gore boikarabelo jwa matimela bo amogwe dikhansele, ba re bo rolelwe ba bogosi, fa bangwe ba re bogolo a isiwe kwa lephateng la temo-thuo, ka go supagetse fa dikhansele di sa kgone go itepatepanya le dkgang tsa matimela. Ba re ere ka jaana puso e amogile dikhansele ditirelo dingwe morago ga go bona fa di rwele mokgweleo o montsi, e tshwanetse ya dira fela jalo le ka tlhokomelo ya matimela, ba kaya fa e bile lephata la temo-thuo le le mo maemong a a botoka go ka tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela matimela. Rre Mmilili Mbonini ene o ne a supa fa ba bogosi e le bone ba ba leng mo seemong se se botoka go balelwa le go rarabolola dikgang tse di amang leruo. Ntlheng e nngwe, Mme Jane Majaule o ne a re go dirwe molao wa gore mo manyeneng a a rwesiwang leruo mo ditsebeng, go kwalwe le nomoro ya mogala wa mong wa lone go thusa ope yo o ka le bonang mo thoteng ya gagwe go ikgolaganya le ene. A re seo se ka thusa go fokotsa palo ya matimela, a supa fa ene a setse a lekeleditse mme a kile a leletswa ke mongwe fa dikgomo tsa gagwe di ne di timetse. Mo mafokong a gagwe a kamogelo baeng, Kgosi Thabo Maruje III wa motse wa Masunga o ne a supa fa a tshwenyegile thata ka barui bangwe ba ba itlhokomolositseng boikarabelo jwa go tlhokomela leruo la bone. A re go a tshwenya ka jaana bangwe ba itse leruo la bone fela ka nako ya fa ba le rekisa mme ntle le seo ba le tlogela le gobeya gongwe le gongwe bosigo le motshegare. Kgosi Maruje III o boletse fa leruo leo, le le sa tlhokomelweng le apesitse batho kobo ka letshoba bogolo jang mo pakeng ya temo. Tona Siele o ne a supa fa boikarabelo jwa matimela e le morwalo o o seng kana ka sepe, o o lopang dikhansele madimadi a go phutha, go otla gammogo le go tlamela matimela ao ka tsotlhe tse di tlhokwang ke leruo. Rre Siele o ne a lebogela megopolo ya banni ba Masunga, a re e tla nna le seabe mo tshobokong ya tshekatsheko ya molao o o laolang matimela. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Banni ba Xere ba lela ka lenyora la leruo Banni ba Xere kwa kgaolong ya Boteti ba lela ka lenyora la leruo, seemo se ba reng se kgoreletsa maiteko a puso a go ba ntsha mo le humeng. Banni ba ntshitse selelo se sa bone kwa phuthegong ya mopalamente wa Boteti Bophirima, Rre Slumber Tsogwane e a neng a e buisa kwa motseng oo bosheng. Banni ba re ga ba na kwa ba nosang teng, seemo se ba reng se ba tlhobogantse le koporase ya metsi ka ba patelesega go nosa leruo metsi a a nowang ke morafe. Ba re seemo se se maswe ka gore nako e nngwe le one a a nowang ke batho a a bo a se yo, ba tlhalosa gore leruo le a swa fa lengwe le ile le naga. E rile a bega pego ya VDC mothusa modulasitilo wa komiti wa motse oo, Mme Bofefo Kefeletswe a lebogela matlo a a agetsweng batlhoki, matlwana a boitiketso le barutabana ba sennela ruri. Mme Kefeletse o supile fa ba sale ba solofeditswe go fiwa polose mme go twe kgang ya teng e isitswe kwa Serowe nako kgolo ke eno. O ne gape a re ba kopa go direlwa ditsela tse di fa gare ga motse. E rile a ba kgwa dikgaba, Tona Tsogwane a tlhalosa fa kgang ya metsi a leruo e santse e tshwerwe kwa khanseleng. O ne a ba kgothatsa go rotloetsa bana go tsena sekole, le batsadi go ikgapha mo nnotaging ka gore ke yone e ba itsang go tswelela. E rile a tlhalosa ka kgang ya metsi mogolwane wa WUC Rre Motli Segale a tlhalosa gore ba file khansele sediba gore ba se gokele se nose leruo la Xere. Rre Segale a re ga se gore ba gana banni ba nosa leruo metsi a a nowang ke morafe, mathata metsi ke one a tlhaelang. E rile a leboga mokhanselara wa Xere, Rre Aron Angleton a re maduo a sekole a ntse a le kwa tlase ,a re bagolwane ba sekole ba mo solofeditswe gore ba tlaa dira ka natla go a tokafata. BOPA society 9 Emisang go dirisa bana botlhaswa - Kgosi Kgosi Phillip Lorekang wa Maubelo o boleletse morafe o o neng o phuthegetse kwa Maleshe ka Labotlhano go ipelela letsatsi la ngwana wa moAforika go emisa go dirisa bana mo ditirong tse e seng tsone. Kgosi o boleletse morafe gore ba tshwanetse go netefatsa gore bana ba godisiwa sentle gore e re kamoso e nne bagolo ba ba nang le boikarabelo. O supile fa kgaolo ya Kgalagadi e tshwenya ka melato ya go dirisa bana botlhaswa, a supa fa dipalo go tswa kwa go ba boipelego di supa fa ba na ba dirisiwa botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo. A re dipalo di supa fa bana ba le masome a marataro mo lekgolong ba dirisiwa botlhaswa mme a re tiro tse di sa siamang tse, di tshwanetse go emisiwa. O tsweletse ka go re batsadi bangwe ba santse ba na le mogopolo wa go rontsha bana thuto ka go ba dirisa kwa merakeng, mme a re se se rontsha bana tshwanelo ya go ipetlela bokamoso jo bo siameng ka go tsena sekole. E ne e rile go le pele fa a amogela baeng mo motseng wa gagwe, Kgosi Gabriel Ntau a tlhalosa fa ngwana a tshwanetse go tlhokomelwa gore a tle a nne le bokamoso jo bo siameng. Le ene o ne a kgala a sa kgwe mathe mogopolo wa gore e re ngwana a tshwanetse go isiwa sekoleng a bo a isiwa morakeng, a re se se tshwanetse go emisiwa ka jaana go dira jalo e le go sotla ka bana. A re batsadi bangwe ba na le go fa bana maina a lesotlo, mme a re go dira jalo ga go a siama ka gore bana ba bangwe ba felela ba sotla yo mongw ka leina la gagwe. Kgosi Ntau a re batsadi ba tshwanetse go fa bana maina a a supang lorato gore e re ba gola ba nne motlotlo ka maina a bone. BOPA education 4 UDC e ithekisa mo Batswaneng Maloko a phathi ya UDC ba gwetlhile Batswana go inaakanya le phathi ya bone.Ba buile se mo phuthegong ya mokatakata e e neng e tshwaretswe kwa Ghanzi. Mokwaledi wa phathi ya BCP Rre Kentse Rammidi o ne a re phathi ya UDC ga se e e ka tlholang e bitswa gotwe ke ya kganetso, mme a re “ke phathi ya tsholofelo mo Batswaneng.” Rre Rammidi a re e le diphathi tse di ikopantseng ba solofetsa Batswana bokamoso jo bo siameng e bile e le jo bo ba solegelang molemo. Mme ka jalo o ne a gwetlha Batswana go inaakanya le phathi ya UDC jaaka ba ipaakanyetsa ditlhopho tse di latelang tsa 2019. Rre Rammidi o ne a netefaletsa Batswana gape gore e le ba BCP ba ne ba nna fatshe le ba UDC mme ba rarabolola dipharologano tse di neng di le teng go itsa gore ba kopane ka ditlhopho tse di fetileng tsa 2014. Mme o ne a tlhalosa gore diphapaang tsa bone di ne di sa supe gore ba itaana ka noga e tshela mme a re e ne e le go tlhoka kutlwisisano fela ga bana ba motho. Sebui se sengwe, Mme Margaret Nasha o ne a kaya fa molao motheo wa lefatshe la Botswana o siilwe ke nako. Mme Nasha a re molao motheo o tshwanetse wa fetolwa wa shafadiwa gore o tsamaelane le dinako tsa gompieno. Mme Nasha a re melao metheo ya mafatshe a a mabapi le la Botswana e sale e shafaditswe, mme a re ke nako ya gore lefatshe la Botswana le lone le tlhabolole molao motheo wa lone. Mme Nasha o ne gape a re e le ba phathi ya UDC, ba tshwenngwa ke gore lefatshe la Botswana le ikaegile thata ka go reka dijo kwa mafatsheng a sele. A re lefatshe la Botswana le ka kgona go itirela dijo mme la kgona go jesa Batswana. Se, a re se ka diragala fela fa puso e ka sekaseka ka fa e abang madi a setshaba ka teng. Mme Nasha a re puso e tshwanetse ya abela lephata la temo-thuo madi a mantsi gore e kgone go diragatsa maikaelelo a lone a go tlhabolola lephata gore ba kgone ba jese Batswana mme ba fokotse go ikaega ka mafatshe a mangwe, mme pheletsong e nne gore lephata la temo-thuo le kgone go jesa Batswana le sa ikaega ka mafatshe a mangwe. Mo go tse dingwe o ne a re puso e tshwanetse go seka seka dikatso tsa bodirela puso, a tlhalosa gore bodirela puso ga bo newe dikatso tse di botoka mme a re puso e tshwanetse go leba seo. Phuthego e, dibui ka go farologana di supile fa e le ipakaanyetso ya tsela ya go ya ditlhophong tsa 2019. politics 7 Barui ba dikgomo tse di lekgolo le go feta ba ikentele Barui ba dikgomo tse di fetang lekgolo ba solofelwa go ikentela dikgomo tsa bone. Fa a rola pego ya gagwe kwa bokopanong jwa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong yo e leng mokhanselara wa Boseja Legare, a re barui bao ba tlaa fiwa melemo ke ba lephata la matlhoko a leruo. A re e ne ya re tshimologong ya Motsheganong ofisi ya matlhoko a leruo ya simolola go kentela dikgomo malwetse a kwatsi le serotswana, mme tsholofelo ke gore tiro e wele Phatwe a ya fifing. A re tiro e, e tlaa akolwa fela ke ba ba nang le dikgomo tse di sa feteng lekgolo, mme o rotloeditse makhanselara go gakolola barui le botlhe fela ba ba ruileng dintsa go di tsisa kwa makentelong gore le tsone di kgone go bona mokento wa molafo. Rre Morolong o ne a supa gore ka ntlha ya dipula tse di neng di le boutsana mme di patilwe ke mogote o o feteletseng monongwaga, ba lephata la tlhabololo temo-thuo le tlhomamiso dijo ba solofetsa kwelo tlase ya thobo mo kgaolong. A re puso e tlhagisitse fa ngwaga wa madi wa 2018/2019 e le wa leuba, mme ya ntsha mananeo kgotsa dithuso tsa nakwana tse di lebaganeng balemi-barui jaaka go fokotsa ditlhwatlhwa tsa dijo le melemo ya leruo go tsweng kwa go 25 per cent go ya kwa go 35 per cent. Mme dithuso tse di ne tsa atolosiwa go akaretsa dikgomo tsa mashi, barui ba dikoko le dikgwebo-potlana tsa dikolobe. Modulasetilo wa khansele o supile fa lephata la tlhabololo temo-thuo le tlhomamiso dijo, le le mo tirong ya go tlhabolola maranyane a a latedisang dintlha tsotlhe tse di amang botshelo le metsamao ya seruiwa - a Botswana Animal Identification Traceability System. Rre Morolong a re ka jalo ditirelo dingwe tse di amanang le maranyane a, di tlaa bo di seyo mo phefong, mme barui ba tlaa nama ba sa kgone go tsenya dintlha tsotlhe tse di amanang le leruo di tshwana le boOmang ba basha. “Ka jalo barui ga ba kake ba kgona go kwadisa ditshipi tse di sha. Le fa go ntse jalo, ditirelo tsa diteseletso tsa metsamao ya leruo le ntshafatso ya ditshipi di tlaa bo di tsweletse ntleng le kgoreletsego, mme tsholofelo ke gore maranyane a bo a boetse mo tirisong kgwedi eno e fela,” a rialo Rre Morolong. Rre Morolong o ne a tshwaela ka ofisi ya Omang, a re mo kgaolong ofisi e e kwadisitse dikarata tsa Omang di le 1 493, mo go tsone tse 199 e le tsa ba ba latlhileng dikarata, tse di sha tsone di le 272, mme tse di shafadiwang di le 1 022. A re ntswa ngwaga o e le o o botlhokwa wa ditlhopho tsa setshaba, ofisi ya Omang e itemogela go nna maoto a tshupa ga baikopedi go tsaya boOmang ba bone. “Ofisi e abile boOmang ba le 1 474, mme e santse e tshotse ba le 1 292,” a feleletsa ka go kopa setshaba go tsaya dikarata tsa bone, ka go le botlhokwa mo matshelong a bone a letsatsi le letsatsi le gone gore ba seka ba tloga ba ithontsha tshwanelo ya go tlhopha. politics 7 Monare o kgala go latlhwa ga masea Mokhanselara wa Radisele mo kgaolong ya botlhophi ya Serowe Borwa, Rre Kgosiemang Monare o kgadile a menne phatla bana ba basetsana ba go bolelwang ba tsweletse ka go latlhela masea mo sekgweng. Rre Monare o boleletse makgolokgolo a batho ba ba neng ba le kwa phitlhong ya ga Rre Boikhutso Samuel bosheng gore go tlhoka go phaila ga dipula go ka tswa go bakwa ke dififi tsa bana ba ba lathelwang mo sekgweng le mo matlwaneng a boitiketso. A re e rile kgwedi eno e rogwa ka labotlhano wa beke e fetileng ba begelwa losea lo lo bonweng lo gogagogwa ke dintsa kwa kgotleng ya Sepalamoriri. O ikuetse mo batsading go kopa bana ba bone go emisa go lathela masea mo matlwaneng a boitiketso. Rre Monare o kopile banni ba Radisele go thusana le mapodisi go lwantsha seemo sa go latlhelwa ga bana mo matlwaneng a boitiketso ka go loma mapodisi tsebe ka badira melato ya go nna jalo. Pego e e tswang mo go ba sepodisi sa Botswana e bolela fa dipalo tsa bana ba ba lathetsweng mo sekgweng kana mo matlwaneng a boitiketso kwa Radisele jaanong di tlhatlogetse kwa go botlhano fa esale ngwaga ono o simologa. Fa dikgang di eme jalo, pego e e tswang kwa Shoshong e bolela fa mapodisi a tlhotlhomisa tiragalo ebmo go yone batho ba le bararo ba neng ba tlhokafala morago ga gore ntlo e ba neng ba robetse mo go yone e rore ka molelo. Mogolwane wa mapodisi a Shoshong, Superintendent Tawana Tawana, a re batho bao, ba e leng monna le mosadi wa gagwe le kgaitsadie yo e bileng e le motlhoka-pono, ba diragaletswe ke kotsi eo bosigo kwa masimong a Sefhako. Superintendent Tawana o boletse fa direpa tsa batho bao, ba go bolelwang e le ba Mosolotshane, di beilwe mo setsidifatsing sa kokelo ya Mahalapye go tlhatlhojwa ke dingaka. A re e le mapodisi ba santse ba tsweletse ka ditlhotlhomiso go bona se se ka tswang se bakile molelo oo fa maina a baswi a santse a lobilwe go fitlhelela ba masika ba itsesiwe. BOKHUTLO health 6 Setshaba se na le seabe mo go lwantsheng HIV/AIDS Molomaganya ditiro mo lekalaneng la National AIDS and Health Promotion Agency (NAHPA), Rre Richard Matlhare a re seabe sa setshaba mo twantshong ya mogare le bolwetse jwa segajaja ke se segolo. Fa a bua kwa thuto-puisanyong ya malatsi a mararo bosheng, Rre Matlhare a re puso e lebogela tiro e setshaba se e dirang le go itlama go nna le seabe mo nyeletsong ya bolwetse jwa segajaja ka ngwaga wa 2030. A re NAHPA e tlhokana le go tshwaragana le setshaba go lwantsha bolwetse jo le go netefatsa fa bo laolesega. Rre Matlhare o gateletse botlhokwa jwa setshaba se se itsetsepetseng se na le tomagano se lebetse pele jaaka e le tumalano ya National Strategic Framework for HIV. A re Botswana ke lefatshe la itsholelo e e fa gare mme le phatlalaleetswe ke makalana a a neng a thusa ka madi, ka jalo la tshwanelwa ke go ikisa moriting. Ka jalo, Rre Matlhare o rotloeditse setshaba go lomagana le puso go tsweledisa twantsho ya HIV/AIDS. A re Batswana ba santse ba tlhoka dithuso tsa madi go tswelela ba di goga kwa pele mo go lwantsheng bolwetse jo. Fa a ntsha mafoko a kamogelo, mookamedi wa Peace Corps Botswana, Mme Elizabeth O’Malley a re maikaelelo a thuto-puisanyo e ne e le go rutuntsha baithuti le go ba kgothatsa gore ba thuse makalana a bone a tswelele a na le seabe go atolosa ditirelo, go isa ditirelo ka nako gore e re ka 2023 e bo seru se sa HIV/AIDS se laolesega mme e re ka 2030 e bo AIDS e fetogile leinane. Mme O’ Malley a re lenaneo le le na le maikemisetso a le mabedi ebong go tokafatsa le go atolosa makalana a a tsamaisiwang ke setshaba le gone go isa thuto kwa Batswaneng go simolodisa dithuto tse kwa malwapeng. health 6 Monana o itshimololetse motshameko Go golela mo dikgaolong tse di kgakala le ditlamelo go fa bangwe monyetla wa go itisa le bagolo fa isong maitseboa. Ke gone ka moo, Rre Lwagarre Ngwalongwalo a ratileng seo a bo a felela a se dirisa go itlhamela motshameko wa botoro o o bidiwang Setswana sa Borre. O tlhaloseditse BOPA mo potsolosong fa a ne a bula tsebe ya Facebook ka 2011 mme ya re morago a diragatsa toro ya gagwe fa a aga motshameko wa Setswana sa bo Rre. A re o gwetlhegile go dira jaana a sena go lemoga fa Setswana se tseelwa kwa tlase e bile bagodi bangwe ba lebega ba sena kgatlhego ya go boloka kitso e ba nang nayo gore dikokomane di tle go e anywa. O tsweletse a bolela fa motshameko o wa botoro o direletswe go intsha bodutu le go ithuta. A re ditlhotlhomiso di supa fa go ithuta ka metshameko go ntsha maduo, ke sone se a sa kwalang buka mme a ikgethela tsela e. Go ya ka Rre Ngwalongwalo, dipotso tsa motshameko di kgaogantswe ka dikarolo tse thataro e leng dithamalakane le maele, ditso tsa lefatshe la Botswana, thanolo, thanodi, kitso ka kakaretso le tsa mafelo kgotsa matlotlo a Botswana. Monana yo wa Motlopi o tlhalosa gape fa botoro e, e tshamekwa ke batho kana ditlhopha tse pedi ba emetse molemi le morui. A re botlhe ba simolola mo lebokosong le le lengwe mme yo o gorogang pele ko difolageng e le ene mofenyi. “Mo botorong e, go na le mabokoso a a nang le diphologolo le dijalo. Molemi o tsamaela ka fa molemeng fa morui a ya ka fa mojeng,” a tlhalosa jalo. Monana yo wa dingwaga tse di masome mabedi le borataro a re motshameko o o simolola ka go latlha letaese mme kgonafalo ya letaese e tla a bo e mo isa ko potsong ya gagwe mo dikarateng. Ka jalo fa motshameki a tshwere potso o tsamaya dikgato tse pedi. E ntse e le mo go one motshameko o, bokoso nngwe le nngwe e na le selekanyo sa madi a a kgobokanngwang ka selekanyo sa dikgato tse motshameki a di tsamayang. O boletse fa madi a motshameki a a kgobokantseng a ka a dirisa go reka potso fa a retelelwa ke e a e tlhophileng kana go itsa go boela ko morago fa a retelelwa ke potso. Rre Ngwalongwalo a re mo nakong ya gompieno o emetse gore go rurifadiwe Setswana se se diriswang mo dikarateng ke gone a tlaa bong a simolola go rekisa. “Mo nakong ya gompieno go beeleditswe di botoro di le lekgolo le masome a marataro, mme ke tlaa di gatisa mo nakong e e seng kgakala,” Rre Ngwalongwalo a latlhela. O ne a leboga Professor Thapelo Otlogetswe, Dr Pearl Seloma le Mme Gosego Kgerethwa go bo ba mo thusitse mo go ageng motshameko o. Sealogane se sa maranyane a dijo go tswa kwa BUAN a re o eletsa go ranolela motshameko o mo dipuong ka go farologana, go o tsenya mo sesupa ditshwantshong tsa motshikinyego le mo mesokelatsebeng. Bokhutlo arts_culture_entertainment_and_media 0 Borre ba holodisa maiteko Tona wa botsogo le boitekanelo, Mme Dorcas Makgato o supile matshwenyego ka borre ba a boletseng fa ba seyo kana ba le boutsana mo lenaneong la go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV o o santseng o tsweletse ka go anama. Fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng ya kgaolo ya Sefhare/ Ramokgonami bosheng, Mme Makgato a re dipatlisiso di supa fa dipalo tsa borre ba ba itlhatlhobelang mogare di le kwa tlase fa di tshwantshanngwa le tsa bomme. Ka jalo a re bomme ba itlhatlhobela mogare wa HIV ka dipalo tse di nametsang mme ka fa letlhakoreng le lengwe borre ba tsweletse ka go tlhakanela dikobo le bomme ba sa itshireletse mme ba bo ba tsaya fela gore ba tlhakanetse maduo a itlhatlhobelo mogare le bomme ba bone ntswa maduo a go itlhatlhoba a sa kopanelwe. A re mo dipatlisisong tse di dirilweng go bodiwa borre gore ke eng ba le boutsana mo go itlhatlhobeleng mogare ba ntsha mabaka a a lolea a tshwana le a gore ga ba a gololesega fa ba tlhatlhojwa mogare ke baoki ba bomme mme bangwe ba re go bulwe dikokelo bosigo ba tlaa itlhatlhoba fa bangwe ba re go bulwe ka Matlhatso le Tshipi gore ba itlhatlhobe ka ba a bo ba le kwa ditirong fa gare ga beke. O ne a ntsha sekai ka lenaneo la PMTCT la go thibela mogare go tswa kwa go mmangwana go ya kwa leseeng, a bolela fa le busediwa kwa morago ke borre ba e reng fa bomme ba bone ba tsenelela lenaneo la PMTCT ba bo ba tswelela ka go tlhakanela dikobo le bone ba sa itshireletse mme lenaneo le bo le sa dire sentle ka ba a bo ba busetsa mogare mo go bone. A re fa e kabo borre ba tsaya boikarabelo go kabo go sena dipalo tse di gatisiwang tsa lenaneo la PMTCT le le sa tsamayang sentle kana go kabo go sena dipalo gotlhelele tsa ngwana yo o tsholwang a na le mogare ntswa mmangwana a ne a tseneletse lenaneo la PMTCT. A re dipatlisiso gape di supa fa borre bangwe ba ba nwang diritibatsi ba sa di nwe sentle. Mme Makgato a re go dirwa dipatlisiso tsa gore go ka dirwa jang go oka borre gore ba itlhatlhobele mogare ka dipalo tse dintsi. A re fa go simolodisiwa lenaneo la gore Motswana mongwe le mongwe yo o nang le mogare o ka tsaya diritibatsi le fa masole a gagwe a ise a wele kwa tlase o ne a na le tsholofelo ya gore Batswana botlhe ba tlaa nna le boikarabelo mme o maswabi ka gore mo nakong eno ga go a nna jalo. O ne a ikuela mo go borre go ititaya ka thupana go itlhatlhobela mogare nako e sale terng. BOPA education 4 Lephata le sireletsa bagwebi lick to see more pictures Tona wa papadi le madirelo, Mme Dorcus Makgato-Malesu a re Palapye o tlhoka go potlakelwa ka ditlhabololo ka jaana a gola ka bofefo. Fa a simolodisa semmuso lekgotla la bagwebi la Palapye Bus Rank Traders Association kwa mapalamelong a dipalamo tsa setshaba tsa Palapye bosheng, Mme Makgato-Malesu a re lephata la gagwe le dirile go le gontsi go sireletsa bagwebi, a supa fa e rile bosheng ba dira ditshekatsheko tsa metse e e golang gore e ka thusiwa jang, mme ba dira molao go fokoletsa bagwebi ba babotlana ditshenyegelo ka go kgona go rekisetsa kwa malwapeng a bone. Mme Makgato-Malesu a re e re le ntswa bagwebi ba babotlana ba dira lesome mo lekgolong, ba kgonne go tlhamela Batswana ditiro di le dikete tse di makgolo mararo, a supa gape fa ba rotloetsa go rekwa ga di-tswa temong tsa mono gae. A re ba kgonne go reka ka didikadike tse some tsa pula di-tswa temong monongwaga e le bontlha bongwe jwa go rotloetsa bagwebi. O ne a kgothatsa bagwebi ba babotlana go itshimololela ditirelo tse di ka ba busetsang, ka go ipopa go nna seopo sengwe, mme a tlhalosa ka lekalana le le tlhamilweng go elama dikgwebo (incubator), ka maikaelelo a go thusa bagwebi ka dikitso tsa kgwebo pele ba ka simolola kgwebo. O ne a gwetlha bagwebi ba babotlana go dira dikoporase, a supa fa batho ba le lesome ba ka ikopanya go dira mmogo ka maikaelelo a le mangwe. O ne a ba lebogela tema e ba setseng ba e segile ya go ipopa e le bagwebi, a tlatsa ka go re ba simolole go kabakanya kgwebo e seng go dira selo se le sengwe botlhe. A re kgang ya gore ba tlhoka fa ba direlang teng ka nako ya dipula, diphefo le letsatsi ba ntse ba e tshwere go bona gore go ka dirwa eng ka yone. Tona o ne a ba rotloetsa go adima madi kwa Citizen Entrepreneural Development Agency (CEDA) go tsamaisa dikgwebo tsa bone, a tlhalosa fa CEDA e adimisa go simologa ka P500. Mo mafokong a gagwe a tebogo, mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraela Goya o supile fa Palapye e le motse wa ditso, a kaya fa e le lefelo la kgwebo le le tswang goo-Lowe jaaka le ne la ngoka bagwebi go tswa kwa Capetown le Kimberly. O ne a leboga morafe wa Bazezuru a re ke bone ba rutileng Batswana kgwebo. A re la ntlha Batswana ba ne ba tlhajwa ke ditlhong go ka bonwa ba rekisa mo mekgwatheng. Rre Goya o ne a gwetlha bagwebi ba babotlana go inaakanya le go ikopela matlo a marekisetso fa a bapadiwa ke khansele. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Puso e itlama go nyeletsa lehuma Mothusa Tona wa Ofisi ya Merero ya ga Tautona le Bodirelapuso, Rre Dikgang Makgalemele, a re puso e itlamile go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo fa ngwaga wa 2017 o ya fifing. Mothusa tona o buile se mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi (Motsheganong 26) kwa Mmathubudukwane mo kgaolong ya Kgatleng. Rre Makgalemele a re gore puso e kgone go dira tiro ya one, e tlhoka kemo nokeng ya Batswana le megopolo ya bone go thusa go fedisa lehuma le le tshedisetsang Batswana mo kgobedung. A re tshwaragano ya Batswana le mowa wa boipelego di tswa kagakala e bile ke tsone di agileng lefatshe leno ka jalo a tlatsa ka gore tswelelo pele ya tsone e tla rurifatsa e be e supa kgatelopele mo go lwantsheng lehuma. Mothusa tona o ne a kgothatsa batsadi le morafe ka kakaretso go tsaya thuto ya bana ka tlhwaafalo ka jaana thuto e le yone konokono ya go nyeletsa lehuma. Rre Makgalemele o kopile batsadi gore ba rurifatse gore bana ba bone ba ya sekolong e bile ba dira sentle mo dithutong mme a kopa tshwaraganelo ya thuto le barutabana. O ne a supa gape gore nngwe ya dilo tse di oketsang lehuma ke go tlhoka bonno mme a supa gore lenaneo la ga Tautona Lt Gen Seretse Khama Ian Khama la go agela batlhoki matlo le diretswe go thusa Batswana ka bonno jo bo ba nayang seriti. Mothusa tona o ne a rotloetsa morafe go tsaya boikarabelo jwa go thusa batlhoki mo motseng wa bone le gone go nna le mowa wa go ipelega o o dirileng Botswana se e leng sone. Rre Makgalemele o ne gape a supa fa botsogo le jone bo kgona go tlisa lehuma mme ka jalo a kgothatsa Batswana go babalela botsogo jwa bone le go tsaya dikgakololo tsa bongaka ka tlhwaafalo. A re sengwe se se kgonang go tlisa lehuma gape ke go tlhoka itsholelo ya go itshetsa mme a supa gore ke ka moo puso e tsileng ka mananeo a a tshwarang masome a mane le botlhano (45) gore Batswana ba kgone go itshetsa. Mothusa tona a re mananeo a a diretswe Batswana mme ba tshwanetse gore ba a dirise gore ba kgone go tokafatsa itsholelo ya bone. Makgalemele o supile fa lephata la boipelego e le lone le le di gogang ko pele mo go thusang tsamaiso ya mananeo a mme e bile gape ba itse gore ke bo mang ba ba tshwanetsweng ke one ka ba dira ditshekatsheko gore ba ba maleba e nne bone ba ba boelwang. E re dikgang di eme jalo, mothusa tona o kopile Batswana go fa puso megopolo e ba nang le yone e ba dumelang gore e ka tlisa diphetogo mo matshelong a bone. “Re le ba Ofisi ya ga Tautona re dumela gore motho yo o tlhokang o tshwanetse go thusiwa gore le ene a kgone go tshela sentle e bile a ikemele ka nosi”. Rre Makgalemele o ne a rotloetsa banni ba motse oo go dira dikoporase tse di ka ba busetsang gore ba kgone go itshetsa ka ba ka kgona go tsena mo dikgwebong dingwe le dingwe, a tlatsa ka gore mo mananeong a le 45 ba ka dira a le mane mo go one. E re dikgang di eme jalo, mothusa tona Rre Makgalemele o ne a lemotsha banni fa Ofisi ya merero ya ya Tautona le bodirelapuso e okametse maphata ka go farologana mme a supa fa mangwe a one e le maphata a tshwana le la Dibetso tsa tlholego, dikitsiso le Kgaso, Twantsho tshenyetso setshaba le a mangwe. politics 7 Bodiragatsi bo ka tokafatsa matshelo Badiragatsi ba kgaolo ya Legare ba rotloeditswe go tlhwaafalela ditalente tsa bone ka di ka ba thusa go itirela mmereko Fa a bua kwa Mahalapye mo dikgaisanong tsa mmino wa Setswana tsa ga Tautona tsa kgaolo ya Legare bosheng, modulasetilo wa khansele ya Mahalapye, Rre Jackson Cebani a re banana ba tshwanetse go dira ka natla go tokafatsa ditalente gore di ba tswele maduo. Rre Cebani a re dikgaisano tsa ga Tautona di simolotse ka ngwaga wa 2008 ka badiragtsi ba ka tshwara dikete tse tharo mme gompieno ke dikgaisano tse ditona tse di okang bagaisani ba feta dikete tse di lesome le bobedi. A re dikgaisano tse di simolotse ka maikaelelo a go ntshetsa bodiragatsi mo pontsheng le go bo godisa go ya ko dikokomaneng tse di tlaa tlang. A re ka nako eo se se neng se tshwenya e ne e le gore ngwao le mmino ya Setswana e tlaa nyelela segolo jang mo bananeng ka go ne go sena sepe se se neng se ba gwetlha go nna le kgatlhego. A re dikgaisano tse di godile mo go nametsang mme e bile di sa solegele banana ba le nosi molemo mme go na le bagolo ba ba tsayang karolo mo go tsone. O ne a kgalela badiragatsi dikgotlhang tse ba nnang ba nna le tsone fa ba sena go amogela madi a ba atswiwang ka one ka a ba kgaoganya mme a ba rotloetsa gore ba a dirise go godisa ditlhopha tsa bone. Moemedi wa lephata la banana motshameko le ngwao, Mme Orabile Kagiso o ne a gakolola badiragatsi gore ba seka ba leba fela gore ba mo dikgaisanong mme ba itse gore ba aga mowa wa popagano magareng ga bone. Mme Kagiso gape o ne a ba rotloetsa go ithuta le mmino wa dingwao tse dingwe mme ba sa e lebele kwa tlase ka gore ga se ya merafe ya bone. arts_culture_entertainment_and_media 0 Go lela loshalaba kwa Gumare E rile bosheng, banni ba Gumare ba supa boitumelo jo bogolo morago ga gore ba Botswana Meat Commission (BMC) ba ba itsese fa ba tlaa kgona go pega dikgomo go ya matlhabelong. Mo potsolotsong le BOPA, mothusa kgosi wa Gumare, Rre Jakoba Seidisa o kaile fa se se itumedisitse morafe wa gagwe fela thata ka ba ne ba setse ba tlelwa ke boitlhobogo mo thuong ya dikgomo. Kgosi Seidisa o kaile gore thotloetso e barui ba neng ba e bona, e ne e le mo go rekisetseng ba diselaga. O supile gore e re le ntswa barui bangwe ba ne ba kgona go rekisa mo diselageng tse le tsone di leng palonyana ka motse o le monnye, ba ne ba di reka ka madi a mannye fela thata. BMC ya re e tlaa reka dikgomo mo kgaolong e ba e biditseng A2C, e e simololang kwa Tsau go felela kwa Ikoga. Kwa mogotlheng wa Gumare ba tlaa pega ka Motsheganong go tsweng kwa merakeng ya Tubu. Kgosi a re ba filwe palo ya selekanyo sa dikete tse pedi le makgolo a mabedi, mme a re e le morafe wa Gumare ba ne ba dumalana gore ba tlaa kgaoganya palo e ka bogare gore ba tsee di le sekete le lekgolo go tswa mo merakeng eo ka bobedi. A re ntswa ba ne ba eleditse gore ba ka pega go feta, ga go tshwane ka ba ne ba sokola le go tsenya bana dikole go ne go ba imela ka e bile morafe wa kgaolo e, o ikaegile ka temo- thuo. A re e re le ntswa noka e tshela, ga e ise e nne sekgoreletsi thata mo baruing ba meraka ka ba tlaa kgona go gatelela dikgomo ba di tlodisa molapo. E re dikgang di eme jalo, Kgosi Seidisa o pakile gore monongwaga temo le yone e nnile e e itumedisang. A re balemi ba molapo le ba temo ya komelelo, ba kgonne go bona thobo e e gaisang ya dingwaga tse di fetileng. O tladitse ka go re le fa tshenyo ya diphologolo e le teng fale le fale, dipula tse di namagadi di dirile gore diphologolo di nne kgakala le masimo, ka go ne go na le melatswana e e neng e tshetse, jalo di kgona go nwa koo. A re tshenyo e nngwe ke ya dikgomo, mme eo ga e kake ya kaiwa ka e ka laolwa ke bone balemi-barui. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Kgosi Thobega o bolokilwe Matshwititshwiti a batho mo go bone go le tautona wa pele, Rre Festus Mogae, magosi le maloko a diphathi tsa sepolitiki, ba ne ba le mo gare ga morafe wa Bahurutshe go boloka Kgosi Letlole Thobega kwa Mmankgodi ka Matlhatso. Kgosi Thobega o tlhokafetse Mopitlo a le masome mararo kwa kokelong ya Milpark kwa Africa Borwa a le dingwaga di masome a fera bobedi le borataro. Go bolelwa fa seemo sa botsogo se ne sa mo patika go tsena mo dikokelong tse di farologanyeng go simolola ka kgwedi ya Lwetse ngwaga o o fetileng go fitlha a ba a fudusediwa kwa Africa Borwa. Dibui mo go bone go le modulasetilo wa Ntlo Ya Dikgosi, Kgosi Puso, di kaile Kgosi Thobega e ne e le mogaka yoo a neng a dira tiro ya gagwe ka boineelo e bile a le pelokgale le go dira a eteleditse pele dikeletso tsa morafe wa gagwe. A re kgosi yo a kileng a nna leloko la ntlo ya dikgosi go tswa ka ngwaga wa 2007-2009 o nnile le seabe se se tona mo dikgannyeng tse di neng di itebagantse le paakanyo molao tsa temana ya 77, 78 le 79, a dira jalo ka neelano le mowa o o edileng go fitlhelela tharabololo e bonala. O ne a leka go thusa thata ka go betla tsela fa go ne go buiwa ka go tlogela tiro ka bogodi ga magosi, ntlha e a neng a le kgatlhanong nayo ka a ne a dumela gore magosi a tlhodilwe ke modimo ka jalo go se ope yo anang le thata ya go fedisa boikarabelo jwa bone. Kgosi Puso o kaile fa leso la ga Kgosi Thobega e le tatlhegelo e kgolo mo setshabeng ya lefatshe la Botswana ka jaana a ne a humile kitso e e neng e ka amuwa ke bontsi ka go ithuta bokao jwa se moeteledipele wa nnete a kaegang a le sone. Moeteledipele wa makgotla a setswana a ditsheko tsa boikuelo Kgosi Mothibe Lentswe, o kopile Bahurutshe go sala motlhala o o nanag le bokao jwa ga kgosi mme ba bopagane le go tlhomamisa gore ledula le thokgamo di rena mo gare ga bone. O gateletse ntlha ya gore a go tlhomiwa ga moja boswa jwa bogosi jwa Bahurutshe e nne mo go robaletsweng ke ditlhokwa, ka tsholofelo ya gore ba ikitse botoka ebile ba tlhaloganya se se ba siametseng, go hema tharabololo e e ka felelang e ba patika. Kgosi Mothibe Lentswe o kopile magosi go nna le bokao jwa ditiro tse di nang le bokao jo batho ba ka bo salang morago. society 9 Motshwane o paka ntebele ke go lebele Kgosi Paul Motshwane wa Gerald Estates kwa Francistown a re go botlhokwa go tsenya mo tirisong dikomiti tsa ntebele ke go lebele segolo bogolo mo malatsing a boitapoloso le bofelo jwa ngwaga. Kgosi Motshwane, yo gape e leng modulasetilo wa dikomiti tsa ntebele ke go lebele tsa kgaolo ya No.1, o boletse mo potsolotsong gore dikomiti tsa go nna jalo di ka thusa go menagane go lwantsha borukutlhi jo gantsi bo diragalang ka nako e ya mafelo a ngwaga. O supile fa mo malatsing ano a bofelo jwa ngwaga batho ka bontsi ba emelela go tsweng kwa ba direlang teng go leba kwa magaeng kgotsa mafelo ape fela go ya go keteka malatsi a botsalo jwa morena le ngwaga o mosha le ba masika le ditsala. Ka jalo a tlhalosa fa ka yone nako e batho ba emeletseng kwa ba nnang teng, e le yone nako e dirukutlhi di bonang phatlha go ipagololela mogodu mo dithotong tsa ba ba seong. Mme ke gone ka moo a tlhalositseng fa dikomiti tse tsa ntebe ke go lebele di ka tsenngwa mo tirisong ka mo go tlhwaafetseng mme e bile mongwe le mongwe a ikitaya ka thupana go tshwaragana le ba sepodisi dikgang tsa borukutlhi di ka fokotsega fela ka mo go nametsang. A re setshaba ga se a tshwanela go baya fela mo go ba sepodisi go itepatepanya le dikgang tsa borukutlhi, ka jaana ba sepodisi ba ka se kgone go lwantshwa borukutlhi ntleng le tshwaragano e e nitameng ya setshaba. Kgosi Motshwane o tsweletse a tlhalosa fa e le tshwanelo ya gore fa batho ba nna mo tikologong e le nngwe ba tshwanetse go itsane botoka mekgwa ya bone le metsamao ya bone ka kakaretso. O bile a fa sekai ka gore motho o tshwanetse go itse gore moagisanyi wa gagwe o bereka kae nako mang o wetsa tiro nako mang. “Se se ka thusa gore fa e le gore dirukutlhi di a tlhasela mo lwapeng la go nna jalo, yo o mabapi a kgone go lemoga ka bonako fa a ka utlwa go diragala sengwe ka nako e a sa e tlwaelang gore moagisanyi wa gagwe a bo a le mo lapeng,” a tlhalosa jalo. O ne a tlatsa ka gore gape fa le le mo tikologong le tshwanetse la laelana fa yo mongwe a tswa mo lapeng. Kgosi o tlhalositse fa dikomiti tse di tshwanetse go tsenngwa mo tirisong kwa ditoropong, magaeng, masimo ga mmogo le meraka. Go sa le foo, Kgosi Motshwane o ikuetse mo setshabeng gore le ntswa malatsi a e le a boitumelo, ga go reye gore batho ba itumele mo go feteletseng mo go ka feletsang go tsentse matshelo a bone le ba bangwe mo diphatseng. A re batho ba nne le pabalesego e e ko godimo ka matshelo a bone go leka go hema dikotsi tsa tsela mme a re setshaba se tshwanetse sa ikgapha mo go itonteleng dino. O tlhalositse fa go iphitisa dino go na le ditlamorago tse di botlhoko jaaka go baka dikotsi tsa tsela, dintwa, tiriso botlhaswa mo tlhakanelong dikobo le gone go tsenya lehuma ka go dirisiwa madi a mantsi go ijesa monate. E re dikgang di eme jalo, Kgosi Motshwane o ne a gakolola setshaba ka kakaretso go nna podi matseba mo baporofiting ba e seng ba nnete ba ba nang le gore ba na le bokgoni go okeletsa batho madi ka maikaelelo a go ba amoga madi le dithoto tsa bone mo mebileng. O tlhalositse fa e re le ntswa go dirwa mo go tseneletseng go lemotsha setshaba ka borukutlhi jwa go nna jalo, go sa ntse go ngomola pelo go bo go na le batho bangwe ba ba dumelang mo baporofiting ba go nna jalo. crime_law_and_justice 1 Modulasetilo a leboga makhanselara Modulasetilo yo mosha wa khansele-potlana ya Boteti, Rre Molemi Galeragwe o lebogile makhanselara a kgaolo eo gobo ba mo file sebaka sa gore a ba etelele pele. Rre Galeragwe o lebogile jalo fa a simolodisa phuthego ya khansele-potlana ya Boteti ka Mosupologo, a tlhalosa gore o ka kgona thomo e a e filweng fela fa makhanselara le badirelapuso ba bereka ka natla le tshwaragano. O ne a ba solofetsa gore o tlaa bereka sentle le bone gore kwa bofelong ba tokafatse matshelo a setshaba. Modulasetilo o ne a ba lekodisa ka tse di diragetseng le dikatlego tsa kgaolo, a tlhalosa gore kopo e ba saleng ba e emetse ya gore maipaafela a Makgaba a sekasekelwe go nna motse e arabilwe. O ne a tlhalosa gore jaanong Makgaba o tlhomamisitswe go nna motse a wela mo metseng e e kgakala le ditlamelo. A re matlo a batlhoki a a neng a filwe Makgaba a bo a sa agwe ka gore o ne a ise a tlhomamisiwe jaanong a ka agwa, a kopa babereki ba ba lebaneng gore a agwe ka bonako. Rre Galeragwe o ne gape a re e rile fa ngwaga ono o simologa kgaolo ya Boteti ya nna le dinare tse di kailang kwa 4A le 4B mme ba lephata la matlhoko a leruo le ba-na-le seabe ba ne ba kgona go laola seemo. O ne gape a rotloetsa barui go ya go tsaya melemo ya kwatsi le Quarter Evil kwa lephateng la matlhoko a leruo go ya go ikentela ba dirisa bakenti ba ba ikemetseng. A re letsholo la go kentela molafo le rulaganyeditswe go simolala pele ga kgwedi ya Motsheganong e wela, a tlhalosa gore o ka bonwa kwa diofising tsa matlhoko a leruo gape thulaganyo eo e tlaa phataladiwa. Modulasetilo o ne gape a ba tlhalosetsa gore kgaolo e filwe P260 000 go tsamaisa mananeo a nyeletso lehuma. O boletse fa batho ba ba neng ba sekasekilwe dingwaga tse di fetileng le bone ba tlaa boa ba sekasekwa sesha gore go seka ga boelediwa le go netefatsa gore ba wela mo lenaneong la nyeletso lehuma. Rre Galeragwe o boletse fa kgaolo ya Boteti e amogetse dithuso tsa madi a a kana ka P338 984 go tswa kwa khamphaning ya Debswana a a tlaa dirisiwang go aga matlwana a boitiketso kwa dikoleng tse dipotlana tsa Xhumo le Kedia gammogo le go reka ditilo le ditafole tsa sekole se sebotlana sa Mokobaxane. Kwa bofelong, modulasetilo o ne a kopa makhanselara go bereka ba le seopo sengwe le fa go na le dikgwetlho tse ba di itemogelang mo tirong. A re ba tshwanetse ba bereka thata go tlhabolola kgaolo. BOKHUTLO politics 7 Kwelagobe o rotloetsa tiriso ya mananeo ka botlalo Kgosi Diloro Segwabe wa Sefhophe a re o itumelela tirisano mmogo ya gagwe le morafe. Kgosi Segwabe o boletse fa mananeo a akaretsang la nyeletso lehuma a goroga kwa motseng, mme sebe segolo ke gore bangwe ba ba thusitsweng ka mananeo ba sa a tseye ka tlhwaafalo ka bontsi jwa di dirisiwa bobewa mo matlung bo sa dirisiwe. O kopile banana go ithuta tse dintle mo batsading ba bone ka se se ka ba thusa go ikgapha mo dilong tse di sa siamang jaaka bogodu le tiriso botlhaswa ya nnotagi tse di felelang di ba senyetsa botshelo Mo go tse dingwe, dikgosi tsa motse oo di supile matshwenyego ka go tlhoka go tirisana mmogo ga balemi le barui ka nako ya temo. Kgosi Ikgopoleng Seomile wa Kgotla ya Malatsi a re go nna thata go letlanya ka beng ba leruo ba tsaya nako fa ba bilediwa molato kwa dikgotleng. Ka jalo, bosupi bo felela bo nyelela le go dira melala ya dikgang mo go felelang go baka kgotlhang gareng ga morafe. Kwa kgotlaneng ya Sengongope Kgosi Tshoganetso Gasebonwe o supile fa ba na le tlhaelo ya diterekere a re le ba ba nang natso ba sena di dirisiwa tse di tlhokegang le go tlhaela kitso ya go lema ka ditselana. Kgosi Gasebonwe a re morafe o tswa kgakala o leka go dirisa mothale o mosha wa go lema ka ditselana mme o sa ba tswele maduo go na le wa bogologolo wa go gasa ka o sa tlhoke sepe se sentsi mme ba kopa puso go sekaseka gore a ba ka se tswelele ba o dirisa. Kgosi Kenamile Gakemodimo wa kgotla ya Star o supile fa go utswiwa ga leruo bogolo jang ditonki go ile magoletsa. A re banana ke bone ba ba amegang thata mo bogodung ka ba bolaela ditonki go di ja le go di rekisa. Kgosi Gakemodimo a re se se humanegisa morafe ka ba dirisa ditonki go itshetsa le go dira ditiro tsa selegae jaaka go lema. Kgosi o supile fa ba tswela pelo lenaneo la Kgomokhumo ka go supafala le na le mosola ebile maduo a lone a bonala, a re keletso ya bone ke go bona le gorogile mo kgaolong ya bone. education 4 Maphata a tshegeditse tebelopele Maphata otlhe a puso go tswa kwa toropong ya Lobatse e rile bosheng a tlogela ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi go ya go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Tiro ya letsatsi e ne ya nna go agela bana-le-bogole ba le babedi ba ba dirisang dikolotsana kwa malwapeng a bone bodilo jo bo faphegileng go ba tlhofofaletsa mosepele ka jaana ba tla a kgona go bo dirisa go tswa le go tsena ka bonosi mo matlong. Mogolwane go tswa kwa ofising ya lephata la dikago, Rre Micca Sefone o kaile fa maikaelelo a letsatsi e le go diragatsa maitlamo a ofisi ya ga molaodi wa toropo ya Lobatse go bona gore ba thusa ba ba tlhokileng lesego ka go ba direla dilo tsa sennela ruri ka jaana se, e tla a nna sekao sa gore badiri ba kgathala go bona setshaba se ba tshelang mo go sone se tshela botoka. Fa ba tswa la bone, batlhokomedi ba bana ba ba agetsweng bodilo, Mme Kedidimetse Mothibi le Selinah Seekelo ba boletse fa go ne gole thata gore bana ba tswe le go tsena mo ntlong mme ka jalo go pateletsa gore ka nako tsotlhe ba bo ba na le yo o ka ba thusang. Ba re bodilo jo, bo tlile go dira tiro ya bana ba bonolo go tsena le go tswa mo ntlong kwa ntle ga batlhokomedi. Ba lebogetse tiro e ntle e badiri ba maphata a puso ba e ba diretseng, ba bo ba ba kgothatsa gore ba seka ba ipona tsapa ba tswelele ka mowa wa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Bokhutlo society 9 Sekole sa Mantshwabisi se itsetela adimo Mogokgo wa sekole sa Mantshwabisi mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Mme Kesetsenao Bojase o supile fa ba tlaa ititaya ka thupana go ntsha maduo a a botoka monongwaga. O buile se kwa bokopanong jwa bogogi jwa sekole le jwa motse go rerisanya ka tirisano mmogo le sekole seo se tlaa tsenang mo go yone le ba Mazala Foundation. Mme Bojase o supile fa sekole seo se bopilwe ka bana ba ba tswang kwa metseng e e kgakala le ditlamelo. O supa fa go le botlhokwa gore thuto ya bana e tshwaraganelwe ke batsaya-karolo botlhe. Mogolwane wa mokgatlho wa Mazala Foundation, Rre Baiketsi Mazala, o supile fa ba tlaa dirisanya le sekole sa Mantshwabisi ka go rotloetsa moletlo wa kabo dimpho le go thusa ka didirisiwa tsa thuto. O tlhalositse fa moono wa mokgatlho wa bone e le go rotloetsa thuto go tswa kwa moding. O kaile fa ba batla go betla banana go nna baeteledipele ba kamoso. Mongwe wa ba mokgatlho oo, Mme Gaone Mazala o supile fa ba ne ba gwetlhilwe ke go bona seemo sa thuto kwa sekoleng seo se ngomola pelo. O supile fa go bona sekole seo mo dikgannyeng tsa Btv ka Ngwanatsele ngogola go ne ga ba tlama gore ba thuse. O ne a supa fa nako eo ba ne ba se mokgatlho mme ba dira mokgatlho wa Mazala morago ga gore fa ba kopa dithuso go bo go twe ba kwadise mokgatlho wa bone gore ba thusiwe sentle. O ne gape a supa fa mokgatlho oo o tlaa rolwa semmuso kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome mabedi le bongwe kwa sekoleng sa Mantshwabisi se e tlaa nnang sone sa ntlha go thusiwa ke mokgatlho oo. Kgosi Dikaelo Tsiane o ne a lebogela gobo ba Mazala Foundation ba ne ba bona go le botlhokwa go tshwaraganela thuto ya bana le sekole sa motse wa gagwe. O ne a supa gape fa a solofela fa maduo a tlaa tokafala ka sekole se tlhaelelwa ke didirisiwa tse dintsi. education 4 Bokopano jwa WEF bo mosola Bokopano jwa World Economic Forum (WEF) bo fa baeteledipele ba mafatshe sebaka sa go supa ka fa ba ka tlhabololang ka teng mafatshe a bone mo go tsa itsholelo. Fa a bua kwa bokhutlong jwa phuthego, e e neng e tshwerwe kwa Aferika Borwa, Tautona Dr Mokgweetsi Masisi, o boletse fa bokapano jo, bo mo file sebaka sa go buisana le baeteledipele ba bangwe ka tse di ka godisang itsholelo ya lefatshe. O ne a rotloetsa bagwebi go etela Botswana ka a na le kagiso, e bile Batswana ba itse go amogela baeng. “Ke sone se le boneng kele fa go kopana le batho ba gore re abelana megopolo, re ithuta mo go bone le bone ba ithuta mo go rona.” A re bokopano bo netefatsa gore ga go na lefatshe le le salelang kwa morago go lebilwe maitlamo otlhe jaaka a Sustainable Development Goals (SDGs), lenaneo la African Union la Agenda 2063 le tebelopele ya Botswana ya Vision 2036. Tautona Masisi o supile fa se se botlhokwa e le gore Batswana ba itse fa babeeletsi ba tla ka matlhale, madi le tse dintsi tse Botswana a senang natso. A re Batswana ba tshwanetse go itlwaetsa mowa wa popagano le go atla batho, dikgwebo le makgotla. A re fa Batswana ba ka nna le mowa o, lefatshe la Botswana le tlaa buiwa sentle ke baeng, mme se se dire gore bontsi bo le kgatlhegele. A re se ke maitlamo a magolo a go tlhabolola itsholelo le go rotloetsa papadisanyo le mafatshe a mangwe A re go beilwe monwana tumalano ya papadisanyo le mafatshe ya Aferika e e tla okang batho ba le 1.3 billion. Ka jalo o gwetlhile Batswana go di goga kwa pele mo go tumiseng lefatshe la bone. economy_business_and_finance 3 Malope o bitsa dikgafela Moemela kgosi yo mogolwane kwa Kanye Kgosi Baboloki Mookodi a re dikgafela ke ngwao ya Sengwaketse e e kayang tlotla mo go kgosikgolo e bile e tsisa mowa wa tshwaragano, lorato le kagiso mo morafeng wa ga Ngwaketse. Ka jalo, a re e tlaa re gompieko Bangwaketse ba ise dikgafela kwa kgotleng kgolo kwa morafe otlhe o tlaa bong o phuthaganetse teng go tla go lebogela thobo ya mono ngwaga. Thulaganyo ya dikgafela e simolola fela ka Kgosi Malope II wa Bangwaketse a bitsa gore mabele a tsisiwe kwa kgotleng. Bomme ba kgotla nngwe le nngwe e tsisa mabele ka ditlatlana ba eteletswe pele ke kgosana wa bone, mme kgosikgolo a tseye palo e a e batlang go thusa malwapa mangwe mo tlaleng. Kgosi Mookodi o tlhalositse gore mabele a a busiwang jaanong a tlaa bo a boela kwa dikgotleng go ya go apewa bojalwa mme morago go bewe letsatsi la go bo tsisa mo kgotleng. O boletse fa ka nako e jaanong go tlaa bo go kopiwa pula, jaaka baemedi ba makgotla ka go farologana ba tlhomagana ba tshela bojalwa mo thatholelong. A re morafe o tlaa bo o ipela le baeteledipele ba one go nowa bojalwa e bile bongwe bo tshelwa fa fatshe e le sekao sa go fa badimo le go kopa pula. Kgosi Mookodi o ne a tlhalosa gore ka nako ya go isiwa dikgafela ba dirisa dikala tsa moologa ka ba na le tumelo ya gore pula e tlaa ologa mme e gosomane. A re e re ka moletlo wa dikgafela o diretswe go ipela, go tlhola go opelwa dipina tse di bitsang pula, e le jaaka ba e lopa mo magodimong. arts_culture_entertainment_and_media 0 Khan o ngongoregela ditlhabololo E rile bosheng Mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Mahommad Khan, a supa fa a tshweneyegile ka go bo Molepolole e le motse o motona go feta metse yotlhe mme o le kwa tlase ka ditlhabololo. Mo phuthegong e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng ya Borakalalo, Rre Khan o ne a fa sekai ka gore Molepolole ga a na lekalana la ditima molelo. Tebang le se, mopalamente o ne a tshepisa morafe fa a tlaa isa matswhenyego a ko palamemteng gore matona a a lebaneng le ditlhabololo ka go farologana a diragatse se se tshwanetseng. O ne a tshwaela tiro ele nngwe ea setseng a kgonne goe dira ya go buwa le ba lephata la botsogo go thusa sepatela sa Scottish Livingstone ka dikobo, materase le di shiti, se mme go tlhalositswe fa se lopa madi aa kana ka didikadike tsa dipula dile tharo. Mopalemente o tlhalositse fa ane a tshwaraganetse puisano e le Dr Tlamelo Mmatli yo e leng Mopalamente wa Molepolole Borwa. Mopalamente one a kopa sechaba gore fa gona le matshweneygo ba phuthuloge goa buwa, bogolo jang mo bodireding gore dilo ditle di tsamaisiwe ka tsela ee siameng. One a leboga ba komiti ya ditlhabololo tsa magae ( Village Development Committe) gobo ba ntse ba mo lekodisa ka gore tiro ya bone mo kgaolong e tsamaya jang. Rre Khan one a kopa sechaba go itse gore ba tshwanetse go nna le seabe mo ditlhabololong tsa motse ba ikopantse le bodiredi jwa puso ka ga farologana ga mmogo le Kweneng District Council. One a tshwaela gore banni ke bone matlho ago ka itse gore ditlhabololo le ditlamelo di tlhaela hakae mo motseng. Mogo tsa thuto, motlotlegi Khan one gape a supa faa tshweneyegile ka maduo a sekolo sese golwane sa Kgari Sechele aa nnang ale ko tlase, se tsaya maemo a bomasome a mabedi le borobabobedi ntswa dikolo tse dikgolwane tsotlhe mo Botswana di le masome a mararo le bobedi, jalo se ele maduo aa kwa tlase tota. One a supa fa a setse a nnile le bokopano le bagokgo ba dikolo go bona gore matsapa dia tsaya kae maduo mo dikolong ale ko tlase jalo a santse a tsweletse le dipuisano tse a tshwaragnye le dikgosi. O buile gore batsadi ba tshwanetse ba supa kgatlhego lego nna le seabe thutegong ya bana ba bone. Mopalamente o gwetlhile dikgosi le baruti go thusa go busetsa banana mo sethong. E rile aa fa tekodiso ya tsa komiti ya twantsho borukutlhi ( Cluster Policing) modulasetilo wa wa komiti Rre Tshokodiso Keitlhokile a kaya fa e rile mafelong a ngwaga gotswa ka kgwedi ya Phalane go tsena ya Sedimonthole, bane ba nna le lenaneo lago tsenelela dipuisano le banana ba Borakalalo goba gakolola go ikgapha mo borukutlhing. Rre Keitlhokile o kaile fa dipuisano tse dine tsa batswa mosola ka gone ka seka ga gatisiwa dikgang dipe tsa borukutlhi ka malatsi a boitapoloso. One a leboga le batsadi ba banana gore bane ba tshwaraganetse tiro le bone a bowa aba gwetlha go tswelela ba thusa bana ba bone go ikgapga mogo tsa borukutlhi. Mongwe wa banni ba Borakalalo Rre Gape Kehaletse, e rile a ntsha la gagwe a buwa fa sekolo sese botlana sa Borakalalo setlhaelelwa ke matlo a borutelo le gore baeletsa gore tsela ee tsamaelang kwa mabilteng e tshelwe senkontere. Monni yo mongwe Rre Tshwaragano Motswagole one a tshwaela fa ditsha tse disha tsa kgotla ya Borakalalo di tlhaelelwa ke metsi le gore o kopa gore dikgang tsa palamente di boele go balwa mo seromamoweng gape. Banni bane ba ikuela fago sale gotwe gotlaa nna le dimpopo tsa kgopo ya metsi aa leswe le gore sekontere se sesha mo kgaolong ya bone sea tshutsuma ebile sea ngaporologa . E rile aba kgwa dikgaba moeteledipele wa kompone ya Estates Construction Rre Issac Rasesia ee le yone e agang maemelo a dipalamo, a tlhalosa fa ba etse seemo tlhoko ebile batlaa se tsibogela. Mopalamente o ne a araba ka gore seemo sa tlhaeolo ya metsi se etswe tlhoko ebile semo lenaneong la go baakanngwa. O ne a tlhalosa gore ka lenaneo la kgopo ya metsi lele mo tsetlaneng ya ditlhabololo ya NDP10 lea rulaganyediwa ka jaana le batla madi a mantsi ka gore metse mengwe emo mantsweng jalo matlo mangwe aa go babaellwa fa lenaneo le dirwa,jalo go tlhoka madi a ditlamorago tsa teng. Mopalamente o kopile dikgosi go nna di ntse diba gakololola ele mapalamente le makhanselara mogo tse di tlhokegang go dirwa mo motseng. O kopile sechaba go nna ba akgola puso fae dirile sentle le go bereka mmogo go sena nyenyafatso le tlhaolele. BOKHUTLO politics 7 Molaodi wa Kgalagadi o akgola badiri Badiri ba ofisi ya ga molaodi mo Kgalagadi ba rotloeditswe go tswelela ba dira ka botswerere mo ditirong tsa bone tse di farologanyeng ka seo se ka ba kgontsha go ntsha maduo a a itumedisang boeteledipele jwa bone le setshaba kakaretso. Mafoko a a builwe ke molaodi wa Kgalagadi, Rre Moemedi Letina, bosheng mo Tsabong mo moletlong wa kabo dietsele tsa badiri ba ba dirileng ka botswerere mo ngwageng wa madi wa 2014/2015 mo ofising ya ga molaodi mo Kgalagadi. Molaodi o ne a supa fa e le boeteledipele jwa lephata leo ba ne ba bona go le botlhokwa gore ba simolodise kabo dietsele eo morago ga dikgwedi tse tharo mo ngwageng e le tsela nngwe ya go akgola le go kgothatsa badiri mo ditirong tsa bone ka go ba abela ditlankana. A re le ntswa ofisi ya gagwe e tlhaelelwa ke didirsiwa seo ga se reye gore badiri ba adime tshwene marapo ka go tlhoka go dira tiro ya puso ka fa go tshwanetseng ka teng. Molaodi o kaile fa go dira ka natla ga badiri bao go tlotlomaditse le ofisi ya gagwe ka e le yone thotobolo e e leng yone palamente ya kgaolo. Rre Letina o supile fa badiri bangwe mo ofising ya gagwe ba dirile go le gontsi bogolo jang ka ngwaga o o fetileng e ne e le ngwaga wa ditlhopho tsa setshaba tsa 2014, mme a ba akgola go bo ba dirile go kgatlhisa le gore ditlhopho tseo di tsamaile sentle ka go sa nna le dingongorego dipe tse ba di amogetseng go tswa mo setshabeng. Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo mothusa molaodi go tswa Hukuntsi e bile e le mongwe wa ba ba amogetseng ditlankana tsa go dira ka bonatla Rre Bigboy Mangwa o ne a tlhalosa fa e le go leboga badiri ba ba neng ba ititaya ka thupana mo go tlhomamiseng gore setshaba se itumelela se ba se dirang le boeteledipele. O ne a kopa ba ba sa neelwang gore ba seka ba kgobega marapo mme a ba kgothatsa go dira ka natla gore le bone ba tle ba abelwe dietsele mo nakong e e tlang. Fa a leboga mongwe wa badiri mo ofising ya ga molaodi Mme Julia Nyambe ebile e le mongwe wa ba ba lesome le borataro ba ba amogetseng dietsele o ne a akgola boteledipele ba ba dirileng gore go nnne le kabo dimpho a kaya fa seo se tlaa gwetlha mongwe le mongwe go tsenya marapo dinameng ka go ntsha maduo a a itumedisang. Mme Nyambe o ne a kaya fa dikgele tsa ditlankana di le botlhokwa go gaisa le one madi tota ka e le tsa sennela ruri. society 9 Sehunou o kopa kokelwana Kgosi Madala Gabagopolwe wa Sehunou o kopa gore ba agelwe kokelwana mo motseng ka ba sokola go isa balwetse kwa kokelong ya Motshegaletau. Kgosi Gabagopolwe o ntshitse kopo eo mo phuthegong ya dikomiti tsa tlhabololo magae tsa Sehuno, Motshegaletau le Mabuo, tse di neng di rulagantswe ke mopalamente wa Serowe Borwa, Dr Pelonomi Venson-Moitoi. Kgosi o tlhalositse fa tsela e e tsamaelang kwa Motshegaletau e se mo seemong se se itumedisang, ka jalo ba patelesega go kgarametsa balwetse ka dikiriba fa ba sa kgone go tsamaya sekgala se seleele. A re ba kgona go fitlhela ngaka a setse a tsamaile mme go bo go se na gore molwetse o ka thusiwang jang. Kgosi o tlhalositse gape fa ba sokodisiwa ke metsi ka dikarata tse ba di dirisang di kgona go tlhoka go bereka mme e re ba bolelela ba koporase ya metsi ba bo ba ba duedisa gore ba bone tse disha. Mothusa modulasetilo wa komiti ya Motshegaletau, Rre Gontse Gaboswetswe, o ne a kopa gore palo ya batho ba Ipelegeng e okediwe, a tlhalosa fa bontsi jwa batho ba ba senyegelwang ke ditiro kwa dipolaseng ba tla ka mmetela go kopa ditiro. Dr Venson-Moitoi o kopile dikomiti go tshwaragana le ba tsa thuto le khansele go kopa go agelwa matlo a di LA2 a barutabana. A re dikgaolo tse dingwe di dira jalo mme go na le maduo a mantle fela thata. O ne a kopa komiti ya Sehunou gore e tlhoafalele kopo ya motlakase mo motseng, a tlhalosa fa ba Mabuo ba ne ba tlhoafalela ba motlakase, ke ka moo ba setseng ba tsenyeditswe motlakase mo motseng. Gone kwa phuthegong eo, tona o ne a abela ba komiti ya Mabuo ditshipi tse di kgaolang bojang di roba bongwe. BOKHUTLO health 6 Borre ba rotloediwa go kopa thuso Mogolwane mo lephateng la boipelego kwa Shoshong, Rre Moses Maphane, o rotloeditse borre ba ba idiwang go bona bana ba bone go ikopanya le ofisi ya gagwe gore ba thusiwe. A re o lemogile gore gantsi fa batsadi ba sena go kgaogana, ngwana o sala le motsadi wa mme, mme e re fa rangwana a batla go bona ngwana a bo a kganelwa. Rre Maphane a re mabaka a mantsi a a dirang gore borre ba idiwe go bona bana, mme le le tlwaelesegileng ke la gore bonkukua-bana, e leng batsadi ba mmangwana ba na le seabe se se tona mo dikgannyeng tsa mofuta o. A re le fa go ntse jalo, go dira jaana ga go ka fa molaong, a supa fa go ya ka nngwe ya ditsetlana tsa melao ya bana, motsadi mongwe le mongwe a na le tshwanelo ya go tlhokomela le go bona ngwana wa gagwe, go sa kgathalesege gore a batsadi ba mmogo kana jang. O ne a tswelela ka gore le mo setlankaneng sa ngwana sa matsalo, ke tshwanelo gore maina a batsadi boo babedi a kwalwe ka botlalo, a supa fa go sa direng jalo go se ka fa molaong. A re fa e le gore go na le mabaka mangwe a a dirang gore mongwe wa batsadi a bo a idiwa go ka bona ngwana, a go itsisiwe lephata la boipelego gore le tle le itshwaraganye le mmakaseterata go dira ditshekatsheko go bo go ka tsewa ditshwetso tse di maleba. Ntlha e nngwe ya botlhokwa e Rre Maphane a neng a e ama ke ya batsadi ba ba tlogelang bana le bonkuku-a-bone, a re ka molao go tshwanetse ga nna le sesupo sa gore nkuku-a-ngwana o kopilwe a bo a dumela go nna motlhokomedi le gore o tlaa atswiwa jang. O ne a bua gape gore go tlwaelesegile gore bana ba seka ba otlhaiwa go twe ke ditshwanelo tsa bone, a supa gore kgang e ga se boammaaruri ka gore mo bukeng ya melao ya bana go papamaditswe gore kgodiso ya ngwana e akaretsa le kotlhao mo teng, fela e seng ya go ntshetsa maikutlo a tenego mo ngwaneng. Batsadi ba rotloeditswe go ithekela bukana e gore ba anywe dikitso tse di maleba mo go yone. society 9 Mme Setlhoka o digela dingwaga tse 102 Motho wa maloba o iteile kgomo lonaka fa a re tlhotsapele ga se eswa pele e bile khutsana e sa sweng e emetse monono, go ntse jalo ka mosadimogolo, Mme Keneilwe Mmankgodiepetsana Samotho Seneo Setlhoka yo o digelang dingwaga tse di lekgolo le bobedi kwa ga Moshupa. Barwa le barwadi le masika a ga mosadimogolo Mma Setlhoka ba ne ba mo direla moletlo wa go digela dingwaga tse di lekgolo le bobedi mo Moshupa mme a santse a tshedile a sena bokoa bope kwa ntle ga go palelwa ke go tsamaya ka ntata ya bogodi. Mme Setlhoka ke mosadimogolo yo o santseng a na le pono e e siameng, o santse a itekanetse mo mmeleng, mathata bogodi bo dira gore tlhaloganyo ya gagwe e ne e latlhega fale le fale. O tsamaya ka kolotsana ka maoto a gagwe a palelwa ka ntata ya bogodi. O tsholetswe mo kgotleng ya Rungwane kwa goora Nnyoyammotsi mo Moshupa. Dibui ka go farolagana ba kaile fa Mme Setlhoka e le senatla sa temo-thuo, moroki, Mogwebi, Motsadi e bile a le kelotlhoko. Kgosana ya tetlanyo mo Jerusalem mo kgotleng ya Rungwana mo Moshupa, Kgosi Sekopo Nkgwang o boletse mo potsolosong le BOPA bosheng gore Mme Keneilwe e ne e le senatla sa dinatla, a le mogwebi yo mogolo yo o sa iponeng tsapa. Kgosi Sekopo o ne a golega koloi ya kgothokgotho, Mmannyekere, a golega dikgomo, a dira bojalwa jwa bagolo jo go bolelwang bo ne bo le monate thata. O ne a itse batho le ba masika a gagwe. O godisitse bana ba bana le betsi. O boletse fa a tsholetswe kwa kgotleng yoora Nyoyammutsi. O ne a le lerato e le morui wa dikgomo le dinku. Otatile Tau le ene o tlhalositse fa mosadimogolo e le motho yo o bonolo. Fa ba BOPA ba ikopanya le Mme Keneilwe Setlhoka o ne a lebogela gore bana le bana ba bana ba gagwe ba mo gopotse. Se se hakgamatsang ke gore mosadimogolo o ne a rakantsha lekoko la BOPA ka pina e e monate ya Lontone. Pina e a e ratileng thata e ne e re Batho a reyeng ko ntlong ya Modimo, e nngwe e ne e le e go tweng O ntsee jaaka ke ntse, le ya A nka tsena a nka tsena o diegetseng. Bokhutlo society 9 Ba Xhana ba itumelela metsi Banni ba motse wa Xhana mo kgaolong ya Nhabe ba akgotse mopalamente wa kgaolo eo Rre Konstatinos Markus ka go ba tlhalosetsa fa ba le mo lenaneong la go sielwa metsi mo motseng wa bone. Ba ne ba tlhalosa fa kgang ya metsi e tswa kgakala mme go se nko e e tswang lamina, ka jalo ba akgola thata Rre Markus ba re ba dumela fa go tla ga metsi mo motseng wa bone go tlaa dira gore dipalo tsa batho ba motse oo di oketsege. Rre Polelo Monexha o ne a kopa mopalamente go ba buelela le batho ba maphata a a lebanyeng jaaka CEDA, la banana le a mangwe gore ba nne ba ba etela go ya go ba tlhalosetsa ka mananeo, a tlhalosa fa go le gantsi ba tlolwa ke mananeo ka go sa itse. O tsweletse a re ba tshwenngwa ke diphologolo di tshwana le dibatana le ditlou mo kgaolong eo a re o ipotsa gore gatwe ba tlaa bona leng thuso gore di ntshiwe. Rre Phenyo Rammokolodi wa Chanoga e ne o ne a re o leboga thata fa jaanong puso e kgona go lemoga gore bo Omang ba botlhokwa le gone go bona dikgoreletsi tse di kganelang batho go ba tsaya. O tsweletse a re e re ntswa ba tshwere ka thata e le barui go tokafatsa bolwetsi jwa tlhako le molomo fela kwa pusong gone ba thubile kobo segole ka a re ga gona terata epe e e kganelang malwetsi e e tshelang mme ebile lephata la twantsho matlhoko a leruo le ntse moriti o tsididi. Ga a ntsha malebo mo phuthegong eo, mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Grace Moleta o ne a kopa batho ba motsana wa Tsibogolamatebele go ya go itsise kgosi ya Chanoga gore ga ba na go ya go ketekela Boipuso kwa Chanoga. O ne gape a rotloetsa batho ba Xhana gore e seka ya re fa metsi a goroga ba bo jaanong ba simolola go nosa leruo mo go one ka a re a duelwa ke khansele mme ba tlaa bo ba senya, mme ebile e le molato o motho a ka o sekelang. Mopalamente o ne a ba bolelela gore ba lephata la diphologolo ba neetswe madi a a kanang ka P41 million go tla go thusa mo go kobeng ditlou gore di tswe mo bathong le go reka di dirisiwa di tshwana le sefofane sa tlhootomo le go baakanya dikoloi tse di leng teng go dira tiro eo. BOKHUTLO politics 7 Kgosi o itumelela boitshwaro jwa banana Kgosi wa Letlhakeng, Rre Itsoseng Gaoonwe o tlhalositse fa a itumelela boitshwaro jwa banana ba motse wa gagwe. Kgosi Gaoonwe o tlhalositse se mo puisanong le BOPA a supa fa boitshwaro jwa banana ba Letlhakeng monongwaga bo nametsa. O boletse fa ba ise ba gatise dikgang dipe tsa borukutlhi, a tshwantshanya le ngwaga o o fetileng. Kgosi o kaile fa metshameko e le yone e nang le seabe mo phetogong ya boitshwaro jwa banana, a bolela fa ka bontsi jwa bone ba ikgaphile mo majalweng mme ba inaakantse le go akola mananeo a puso. Kgosi o boletse fa gape a itumelela banana ba ba atlegileng mo mananeong a puso jaaka la Youth Development Fund e bile ba kgona go rekisetsa ba ba eletsang go simolola dikgwebo tse di tshwanang le tsa bone. O akgola banana e bile o ba rotloetsa go inaakanya le go itshimolodisetsa dikgwebo tse di itebagantseng le temo-thuo ka di na le dipoelo, a tlatsa gape ka go rotloetsa banana go dirisa mananeo a a tshwanag le a Ipelegeng ka a na le dipoelo. O bolela fa a eletsa gore banana ba motse wa gagwe ba tswelele ka boitshwaro jo bontle go fitlhelela 2016. education 4 Baithuti ba paka ga e golelwe Thuto ga e golelwe e neela baithuti sebaka sa go tokafatsa matshelo a batho. Mo potsolotsong, barutabana ba baithuti ba ga e golelwe, ba supile fa ba rata go ruta baithuti ba ka bontsi jwa bone ba a bo ba nyoretswe thuto. Ba boletse fa go bereka le bagolo go tlhoka bopelotelele, maitseo, lerato le tlotlo segolo jang ka batsadi ba sa rate go nna e kare ba gatakiwa ka dinao. Baithuti ba boletse fa matshelo a bone a fetogile morago ga go tsenelela dithuto tse. Rre Giel Jacobs yo o dingwaga di masome a mane le bosupa o supile fa dithuto tse di mo thusitse fela thata. A re o simolotse dithuto tsa gagwe ka 2011 mme o gatetse pele fela thata ka e bile a re o ne a palelwa ke go tshwara nomoro ya karata ya gagwe ya Omang mme mo nakong eno o e itse le a sa e lebelela. A re le dithuto tsa dikhompiutara o di tseneletse e bile o na le setlankana sa tsone. Rre Botlogile Bahuleng a re ene o tsene ga e golelwe ka 2010 mme mo nakong eno o mo lokwalong lwa borataro, jalo o eletsa go kwala ditlhatlhobo tsa lokwalo lwa bosupa tse a reng fa a ka dira sentle o tlaa bo a tswelela le dithuto. Mme Joyce Lorekang ene ke modirelapuso mme o gwetlhilwe go ya ga e golelwe ke gore o ne a bona go le mosola fela thata gore a bo a itse go bala le go kwala mo tirong ya gagwe. Mme Lorekang a re mo nakong eno o dira tiro ya gagwe a phuthologile a sa tshabe sepe, a re o kgona go isa makwalo mo maphateng a a farologaneng a sa a tlhakatlhakanye. Baithuti ba re ba kopana le dikgwetlho tse di kgoreletsang dithuto tsa bone di akaretsa go tshwarwa ke ditiro tsa mo malwapeng ka jalo ba seke ba tsene dithuto sentle. Barutabana le bone ba kopana le dikgwetlho tsa go tlhoka lefelo la borutelo le dibuka. Ba boletse fa ba filwe ntlwana ya borutelo kwa sekoleng se se botlana sa Tsabong mme e sena motlakase. Ba re letlhoko le, le phatlaladitse baithuti ka bangwe ba se pelo telele. Ba ngongoregile gape ka dituelo tsa bone tse ba reng ga di goroge ka nako. Ba tsweletse ba re ba tlhoka di dirisiwa tse baithuti ba ka di dirisang mo dithutong tsa diatla gore ba seka ba lebala se ba se anyileng. Baithuti ba rotloetsa Batswana ba ba sa kgoneng go bala le go kwala go ikgogela kwa sekoleng sa ga e golelwe mo mafelong a ba nnang mo go one. Ba re ba lemogile gore banana ba maoto a tshupa ka ba re ba tlhabiwa ke ditlhong go tsenelela dithuto mme ba ba kopile gore ba tlogele go itlhabelwa ke ditlhong mme ba tseye maikarabelo a matshelo a bone. Barutabana le bone ba rotloetsa Batswana gore ba tseye thuto ga e golelwe ka tlhoafalo ka e ka fetola matshelo a bone fela thata.BOKHUTLO education 4 Mapodisi ba batla rre wa Ditshegwane Mapodise a Letlhakeng a kopa setshaba go ba batisa rre mongwe wa Ditshegwane yo o sa leng a nole moro wa tibe kgwedi e e feting e roba bobedi. E rile a bua mo potsolosong, mookamela mapodise a Letlhakeng, Superintendent Daniel Katse o tlhalositse fa rre yoo, yo o tlholegang kwa kgotleng ya Mokgege a ne a emelela ka maikaelelo a go etela monnawe yo o berekelang kwa dipolaseng tse di mo kgaolong ya Magagarape gaufi le Jwaneng. Supt Katse a re ka ditlhaeletsano di le boutsana kwa kgaolong eo, ba lelwaspa ba ne ba tsaya lebaka go tlhola gore a rre yoo, yo go kaiwang a ne a tsamaya ka bokoa mo mmeleng, a gorogile kwa a eng a ikaelela go ya teng. A re e rile morago ga malatsi, mmaagwe a ya kwa polaseng kwa go monnawe go ya go tlhola gore a o gorogile, mme a fitlhela go tlhalosiwa fa a ise a bonale koo. Rre Katse o tlhalositse fa e ne ya nna gone ba lelwapa ba begelang sepodise mme sebe sa phiri go bo go setse go fetile sebaka sa kgwedi e e tletseng ka ba amogetse pego kgwedi eno e tlhola malatsi a roba bobedi. A re ka jaana go ne go setse go fetile sebaka, se se ne sa dira gore go mo latedisa e nne kgwetlho, mme a tlhalosa fa mo nakong ya gompieno letsholo la go mmatla le ntse le tsweletse. A re la bofelo ba utlwalela moshwadile wa gagwe ke kwa nngweng ya dipolase tse di mo kgaolong eo kwa go utlwalang a kile a tsena teng go kopa di ya maleng. Supt Katse a re ba kopile sepodise sa Jwaneng go ba tswa thuso mme a re ba mo dithulaganyomg tsa go bitsa sefofane sa sepodise sa tlho-tomo go tla go ba lebisa naga. A re monna yoo, yo a reng o kailwe a le boleele ja 1.7m o tsamaile a apere borokgwe jo bosetlha, kepese e thokwa, ditlhako tse dikhibidu le sotara e botala jwa tlhaga. Supt Katse o kopile setshaba go nna podi matseba mme ba ba lome tsebe fa ba ka bona rre yoo kgotsa ba ka itse kwa a ka batlelwang teng. BOKHUTLO society 9 Bagodi ga ba akole bogodi Mogolwane go tswa kwa lephateng la tlhabololo matshelo a selegae, Mme Mosidi Batsalelwang, o tlhalositse fa bagodi ba sa akole bogodi jwa bone ka tshosologo ka ntlha ya dikgwetlho tse ba tshelelang mo go tsone. Mo phuthegong e e neng e rulaganyeditswe bagodi ba toropo ya Lobatse ka thotloetso ya ba lekgotla la First Care Elderly Home, Mme Batsalelwang a re ba lemogile gore bagodi ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le botsogo jo bo sa itekanelang, lehuma, kgokgontsho le go tlhoka tlhokomelo e e tsepameng, ka jalo a gwetlha setshaba go tlhomamisa gore bagodi ba fiwa tlhokomelo e e maleba e le tsela nngwe ya go lemoga seabe sa bodiredi jwa bone jo bo thusitseng go atolosa ditogamaano tsa lefatshe ka nako e ba neng ba santse ba na le nonofo ka se, se ka ba thusa go akola bogodi jwa bone ka tshosologo. O tsweletse ka go tlhalosa fa bagodi ba tshwanetse go tlamelwa ka tsotlhe tse di ka ba thusang go akola bogodi jwa bone jaaka go fiwa metsi a a phepa le dijo tse di nang le dikotla. O tlhalositse fa bagodi ba tshabelelwa ke ditlhabi ka jalo ba na le tshwanelo ya go fiwa kalafi, go sirelediwa le go fiwa lorato le tlotlo. O kopile setshaba gore se seka sa itlhokomolosa kgotsa sa kgokgontsha bagodi ka mothale ope fela gonne bogodi ga se boleo. A re bogodi ke mpho e e tswang kwa Modimong ka jalo ba tshwanetswe go fiwa tlotla e e maleba nako tsotlhe. Mma Batsalelwang a re, lefatshe la Botswana le ne la bona go le matshwanedi go saenela tumalano ya go itebaganya le matshelo a bagodi ka jalo a gwetlha Motswana mongwe le mongwe go itlama go fetola seemo sa bagodi. A re puso e na le mananeo a setshaba a a itebagantseng le tlhokomelo ya bagodi jaaka la “tantabala” e a tlhalositseng fa mo nakong eno e thusa bagodi ba le 96 836, bagaka ba ntwa ya lefatshe ya bobedi ba le 153, bahumagadi ba bone ba le 1813 le ngwana a le mongwe yo o dingwaga tse di kwa tlase ga masome a mabedi le bongwe. O boletse fa batlhoki le bone ba thusiwa ka dijo le ditlamelo tse dingwe jaaka go ba direla bonno jo bo sireletsegileng go tsholetsa seriti sa bone. O tlhalositse gore le mororo molao o le teng, ga se o o tlileng go tlhokomela bagodi, setshaba se tshwanetse go tsaya boikarabelo mo go tlhomamiseng gore matshelo a bagodi a a tokafala eseng gore e nne morwalo wa puso e le nosi. O akgotse ba First Care Elderly Home ba ba supileng fa ba na le mowa wa go tlhokomela bagodi a bo a ba kgothatsa go tswelela ka go diragatsa moono wa letshego la tebelopele ya setshaba la ‘setshaba se se kutlwelobotlhoko, se se siameng, se se tlhokomelang batho botlhe’. Fa a tlhalosa maikaelelo a mokgatlho wa bone, Mme Agnes Lesole o boletse fa ba ikemiseditse go thusa go tlhokomela bagodi mo dikgaolong tsa Botswana morago ga go lemoga fa bangwe ba tsewa ka lebogo la molema ke ba ba tshelang le bone. A re ba ikaelela go aga lefelo le bagodi ba tla a nnang ba le etela go ya go itlosa bodutu le balekane ba bone mme ba sa tlogela malwapa a bone. O gwetlhile banana go tlotla batsadi ba bone ka gonne a re mangwe a matlhoko a bone a bakiwa ke go tlhoka tsebe ga banana ka jalo a ba rotloetsa go ikobela batsadi gore ba tle ba bone masego le matlhogonolo mo matshelong a bone ka jaana bogodi ele tsela ya mongwe le mongwe. E rile a amogela baeng, Kgosi Donald Rammala a tlhalosa fa bagodi ba tshwanetse go tlhokomelwa ka maatlametlo ka a re ke matlotlo a dikitso tsa botshelo. Bagodi ba ne ba ne ba tlhatlhobelwa malwetse a tshwana le madi a matona, bolwetse jwa sukiri, gammogo le matlho le meno. society 9 Tlhako le molomo e tlhoka tirisano mmogo Makhanselara a kgaolo-potlana ya Maun a kopile badiri ba lephata la matlhoko a leruo go tlogela go ba leba jaaka baba ba bone. Ba re ba tshwanetse ba ba lebe jaaka bakaulengwe ba ba ka dirisanang le bone segolo jang fa go tla mo dikgannyeng tsa bolwetse jwa tlhako le molomo. Makhanselara a buile jalo mo phuthegong ya kgaolo potlana ya Maun bosheng fa ba ne ba buisiwa ke bagolwane ba lephata leo. Ba re kgang ya tlhako le molomo jaanong e tsaya phekelo e sele ka e setse e fetotse barui ba goo Tawana batlhoki. Mokhanselara wa Boseja, Rre Vepaone Moreti, a re maikaelelo a bone ke go thusana le bodiredi e seng gore jaanong e bo e kete ke baba, a re kana Motswana a re kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. O bile a kgala bagolwane ba lephata leo a re o ipotsa gore ke eng ka dinako tsotlhe fa diphuthego tsa bone di tsene ba se ke ba iponatsa go tla go ba itsise ka seemo sa bolwetse, segolo jang morago ga ditlhagogo tsa bolwetse tse pedi mo kgaolong le gore bone e le badiri ba tsweletse jang. Rre Moreti o tlhalositse fa golo moo go le botlhokwa thata ka go ka ba thusa gore le bone ba nne ba itse ka se se dirwang kwa lephateng leo, le gore ba ka thusa jang go na le gore ba nne ba emelwa go bidiwa, a re dikgang di tshwana tsa tlhako le molomo ke dikgang tse di masisi mme di tlhoka therisano. Mokhanselara wa Sankoyo-Shorobe Rre Oabilwe Chombo e ne o ne a kopa makhanselara a mangwe gore e ne e re fa ba tsena mo diphuthegong tsa go tshwana le tseo, ba nna seoposengwe ba sa lebe sephathi sa bone gore ba kgone go bona dikopo le dikgang tsa bone di tswelela sentle. A re dilo tsa diphathi ke tsa ba ba setseng ba le kwa ntle kwa ditlhareng mme mo phuthegong ba itse fa jaanong ba sala morago dikeletso tsa batho ka go buwa se se tlaa tswelang mosola ba ba ba tlhophileng mosola. O tsweletse a kopa bodirela puso jwa matlhoko a leruo gore ba tlhalose ka seemo sa terata kwa Boro gammogo le seemo sa bolwetse kwa dikgaolong tsa Matsaudi le Shorobe. Mokhanselara wa Boro-Senonnori Rre Kenson Kgaga ene o ne a baya sekai ka kgaolo e tshwana ya Chobe a re dikgomo tsa teng di nwa mo megobeng le dinare mme a re mme ga o ka ke wa utlwa gotwe gona le tlhako le molomo kwa kgaolong eo. Fa a araba dilelo tsa bone, mogolwane go tswa kwa lephateng la matlhoko a leruo Rre Obed Mabutha a re e re le ntswa bothata bo le teng, fela le barui ba na le bothata. O ne a tlhalosa ka gore gompieno fa e sale ba baya masole kwa terateng gore ba e tlhokomele, ga ise e kgaolwe ke ditlou, a re seo ka bo sone se supa gore bothata bo teng golo gongwe. Rre Mabutha o tsweletse a re ba tlaa leka thata go dirisana le makhanselara ka e le bone borara jwa motse. O ne a tlatsa ka gore o tlhaloganya sentle gore tirisano mmogo eo e ka ba ntshetsa maduo, a re le ene ga a kgatlhwe ke go nna ka nako tsotlhe gotwe bolwetse bo tlhagogile mo kgaolong ka tota a batla gore barui ba kgaolo eno le bone ba imone. education 4 BAC e rua sekole sa Pilikwe Sekole sa ithutelo tsa temo thuo sa Botswana Agricultural College (BAC) se ikabetse sekole se sebotlana sa Pilikwe, ka lenaneo la thuto la Adopt A School. Lenaneo le le tsile morago ga gore puso e ikuele mo setshabeng, dikhamphani, mekgatlho le maphata a a kgonang go tsenya letsogo le go tshwaraganela thuto ya bana ba lefatshe leno e go supegang maduo a yone a wela tlase ngwaga le ngwaga. Go supega fa e le sekole sa boraro ba se ikabela. Mo nakong eno ba na le sekole sa Tsetseng mo kgaolong ya Kweneng le sa Boitumelo kwa Sebele. E rile a latlhela la gagwe, Dr Mataba Tapela a supa fa go godisiwa ga BAC go nna unibesithi go ya go nonotsha ditiro le ditirelo tse ba ntseng ba di neela setshaba le bone baithuti. A re jannong ba ya go ntsha bomma ntswitswidi ba dithutego tsa maemo a a kwa godimo, fela jaaka ba ntse ba dira ba na le dithutego tsa diploma, degree mme jaanong ba ya go nna le tsa masters le yone Phd tota. Le tsone dithuto tsa tlaleletso ba ya go fa baithuti sebaka go di dira, a bo a supa fa ba na le makalana mo Sebele le kwa Lobatse. O ne a re bone e le ba BAC ba ya go neela baithuti ba Pilikwe bogakolodi ka tsa thuto, ka maikaelelo a gore le bone ka moso e bo e le bo Dr, bomankge ba dithuto. Thulaganyo e ya go pateganela sekole le thuto ya bana ba Pilikwe e beilwe monwana ka 2014 ngwaga o fela , a tlhalosa fa ba tswa kgakala le sekole seo ka ba ne ba ntse ba kopanela le bone malatsi a botsalo ja morena ngwaga le ngwaga go ba fa dimpho. Ene yare a wetsa Dr Tapela a aba dikhumpiutara, go oketsa tse ba neng ba di abetse sekole seo mo dingwageng tse di fetileng, le dibuka tsa bana le tsa barutabana, gammogo le dibolo tsa kgwele ya dinao, bolotlowa, volley ball le matlowa a tsone. education 4 Borre ba tlhoka kemonokeng Kgosi Shathani Kgakanyane wa Sebina, o kgothaditse bomme go nna teng fa borre ba dira learo le le haphegileng. O boletse mo potsolotsong gore bomme batshwanetse go tshegetsa borre ka nako ya learo, go supa lorato. A re go dira jalo go ka thusa thata mo go fokotseng malwetse a tlhakanelo dikobo jaaka HIV/AIDS ga mmogo le kankere ya molomo wa popelo ya bomme. A re go dira jalo go tlaa lemotsha borre fa motho wa mme a le mosola thata e bile e le thari ya setshaba. Kgosi Kgakanyane o ne a rotloetsa borre go tsamaya le bana ba bone ba basimane fa baya go dira learo. O ne a tlhalosa fa go tlhoka go dira learo e le go tsenya matshelo a bone ga mmogo le bakapelo ba bone mo diphatseng. A re gape go thusa le go bona mangwe malwetse a dikobo ka gore fa o ka fitlhelwa ka malwetse mangwe ao o ka thusiwa ka bofefo jo bo kgonagalang go boloka botshelo jwa gagwe le jwa mokapelo wa gagwe. Kgosi Kgakanyane o ne a kopa borre go intsha kwa morago, ba se ka ba tshaba go etela dikokelo, go ya go itlhatlhobela malwetse a a farologaneng, a re dipatlisiso di supile fa lefatshe ka bophara borre e le bone ba di gogang kwa pele mo go tshabeng go etela dikokelo. A re se se utlwisang botlhoko ke gore bontsi jwa nako, borre ke bone fitlhelwang ka malwetse a tlhakanelo dikobo. Kwa bofelong Kgosi Kgakanyane o ne a kopa borre gore ba se ka ba gana fa bomme ba bone ba batla go ba pata kwa dikokelong fa ba ya go dira loaro le go itlhatlhobela malwetse. Bokhutlo education 4 BOPEU e kgathala ka maloko Moeteledipele wa lekgotla la babereki la Botswana Public Employees Union (BOPEU) Rre Andrew Motsamai, a re lekgotla leo le lemoga seabe sa maloko a lone. Rre Motsamai o buile se kwa Jwaneng ka Matlhatso fa baeteledipele le badiri ba lekgotla leo ba ne ba etetse toropo eo go go kopana le maloko gammogo le go kwadisa a masha. Maikaelelo e ne e le go isetsa batho ba kgaolo ya Jwaneng le metse e e mabapi ditirelo le gone go arogana megopolo. Rre Motsamai a re seabe sa maloko se segolo ka jalo ba bone go tshwanela gore ba tsamae lefatshe ka bophara go ba tsibosa ka ditirelo tsa mokgatlho wa bone. A re e re ka jaana mo bogompienong bodirelapuso bo faraferwe ke dikgang, go botlhokwa gore boeteledipele jwa BOPEU bo etele maloko go tlhalosa dikgang tse ka botlalo ka jaana di ama maloko a bone. A re dingwe tsa dikgang tseo ke go tsamaya ba tlhalosetsa maloko a bone gore ke ka mabaka afe ba boneng go tshwanela go amogela kokeletso dituelo ya boraro mo lekgolong e puso e e fileng badirelapuso bosheng. Rre Motsamai a re lekgotla la BOPEU le itlamile go tswelela le emela babereki ka dikgang tse di ba amang le gone go tlisa ditirelo tse di maleba kwa malokong. A re mo thulaganyong ya go lekola maloko le go itsise batho ka ditirelo tsa BOPEU, ba bone go tshwanela gore ba golagane le batsayakarolo ba ba farologaneng ba akaretsa Babereki Investments, Bank ABC, Orange Botswana le Hollard Insurance. Modulasetilo wa Babereki SACCOS, Rre Phemo Matlhogela ene o ne a kopa batho go ikwadisa mo koporaseng eo ka dipalo tse di kwa godimo gore ba kgone go ipolokela madi. A re koporase eo e itebagantse le go thusa babereki ba puso gammogo le dikhamphani tse di amanang le puso gore ba ipolokele madi mme e bile ba na le sebaka sa go adima bontlha bongwe jwa dipoloko tsa bone. Rre Matlhogela a re go botlhokwa gore babereki ba ipolokele madi ka jaana e le mokgwa wa go itirela dikhumo tse ba tlaa di akolang le ba dule mo bodireding jwa puso. E rile a tswa la gagwe, mokwaledimogolo wa BOPEU, Rre Tophias Marenga a lebogela banaleseabe ba ba tswang kgakala ba dirisanya le BOPEU kemonokeng e a reng e supa maitlamo a a nonofileng. A re Bank ABC e ne ya tsena mo botsalanong le BOPEU ka nako e lekgotla leo le ne le faraferwe ke dikgang. economy_business_and_finance 3 Batswana ba rotloediwa go ithuta diteme Batho ba letso la China ba patilwe ke ba lekanala le le itebagantseng le dithuto tsa mananeo a mafatshe mangwe ka go farologana la Confucius Institute kwa University ya Botswana (CIUB), ba ne ba le mo leetong la go tsamaya ba amogana ngwao ya lefatshe la China le ya merafe ya dikgaolo tsa lefatshe leno ka go farologana. Kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, letsatsi leo la kamogano dingwao le ne le tshwaretswe kwa sekolong sa Batanani JSS kwa Mapoka bosheng, kwa bangwe le bangwe ba neng ba supa ngwao ya bone. Fa a bua kwa letsatsing leo, mookamedi wa Confucius Institute, Professor Themba Mgadla o ne a re go botlhokwa thata gore batho ba nne le kgatlhego le gone go thuta diteme ga mmogo le go itse dingwao tsa mafatshe a mangwe. Professor Mgadla a re bone e le ba lekanana la CIUB ba na le tumelo ya gore batho lefatshe ka bophara ba ka tlhaloganyana fela ka go itse teme ya ba bangwe, a tlatsa ka gore e re ka jaana Batswana bangwe ba etela lefatshe la China ka mabaka a a farologaneng , go balelwa le gone go ya go reka dithoto dingwe teng, ka jalo go itse teme ya koo go tla bo go sa tlhole go tlhokana le motoloki. A re fela jaaka go na le beng gae ba ba rutang thuto ya sekgowa mo dikolong, go botlhokwa gore go nne le ba ba rutang diteme tsa mafatshe a mangwe jaaka sechina, a re go dira jalo go ka thusa gore bana bangwe ba lefatshe leno ba thapiwe ke makalana mangwe a tshwana dibanka go nna batoloki. Mogokgo wa Sekolo sa Batanani Mme Lebopo Kebonye o ne a re ere ka jaana ngwao e le yone e supang bokao jwa motho le motse ga mmogo le lefatshe la gagwe tota, go botlhokwa gore batho ba tshegetse dingwao tsa bone. A re thulaganyo ya go amogana dingwao ke nngwe ya dilo tsa botlhokwa ka e thusa bana go tlhaloganya le go itse fa ba tshwanetse go amogela dingwao tsa mafatshe a mangwe. Le fa go ntse jalo, Mme Kebonye o ne a lekodisa lekoko leo ka fa sekolo sa bone se tsweletseng ka teng mo dithutong le ka dikgwetlho tse di ba lebaneng, a re le fa gone ba lebanwe ke dikgwetlho tseo ka go farologana, fela ba tsweletse ka go dira sentle mo dithutong ka jaana ba dumela mo moweng wa go bereka ba le seopo sengwe. Go ntse go le foo, batho ba letso la China ba nne ba nna le sebaka sa go diragatsa mebino ka go farologana e e supang ngwao ya lefatshe la bone le go supa setshwantsho sa motshikinyego se se supang popego ya lefatshe leo. Ba Setlhopha sa mmino wa setso ba Batanani JSS, le bone fela jalo ba ne ba seka ba ipona tsapa go supa ngwao ka mmino yo o tlwaelesegileng mo kgaolong eno wa hosana. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Barui ba atla Kgomokhumo Barui bangwe ba re ba itumelela lenaneo la sepodisi sa Botswana la go lwantsha bogodu jwa leruo le le itsegeng ka Kgomokhumo. Lenaneo le, le simolodisitswe kwa kgaolong ya Borwa, la ya Kweneng mme la atolosediwa kwa kgaolong ya Legare. Mongwe wa bone, Rre Kenneth Moloi, a re le ntswa tsheko ya gagwe e ise e wele, o lebogela go bo a kgonne go bona kgomo ya gagwe, e e saleng e timela ka 2016. A re e rile ka Ngwanatsele ngogola, mapodisi a Sojwe kwa Kweneng ba mo itsise fa ba tshwere kgomo e e tshubilweng ka tshipi ya gagwe, mme namane yone e tshubilwe ka e sele. “Ke lesego thata ka jaana namane e ne e setse e kgaogantswe le mmaayone, mme mapodisi a kgona go e kopanya nayo,” a tlhalosa jalo. Rre Moloi o boletse fa a ruetse kwa Sobela, fa gare ga Khudumelapye le Sorilatholo. O boletse fa a leboga lenaneo la Kgomokhumo thata, e bile a eletsa gore le ka tswelelela ka jaana go lemotshega fa ba ntse ba ruetse bagwebi ba nama. Morui yo mongwe, Rre Keamogetse Nkane, ene a re lenaneo le mo thusitse go bona dipodi tsa gagwe tse pedi. A re ka lenaneo le, go ile ga tlhomamisiwa fa modisa wa gagwe, a ne a mo utswetse. Rre Nkane a re modisa o ne a bolela fa dipodi tse pedi di jelwe ke phokoje. A re morago ga seo, modisa o ne a tlogela tiro a re o ya go ithuta bongaka jwa setso mme a mo isa gae. O tsweletse a tlhalosa fa e rile morago ga kgwedi, mapodisi a kwa Sojwe a mo leletsa gore a tle go tlhola dipodi tsa gagwe mo go tse di tshwerweng. O boletse fa a ile a di fitlhela, mme matshwao a sentswe go setse manyena a matala, e nngwe e bile ba e shagile dinaka. Rre Nkane a re ga a netefatse gore a tota ba ne ba utsule dipodi tse pedi fela, mme gone e nngwe e tsile e tsetse. A re ditlhotlhomiso di ne tsa senola fa modisa yoo, a ne a tsere dinku tsa matimela tse pedi a di ithuetse. O lebogile ka jaana modisa yo le sebare sa gagwe ba atlholetswe ngwaga tse tlhano mo kgolegelong. Morui yo wa moraka wa Pharare go bapa le Otse kwa Kweneng, o lebogile lenaneo le thata a ba a supa gore le atlegile gonne le na le ditsompelo di tshwana le dikoloi. crime_law_and_justice 1 Kgosi o ngongorega ka bogodu jwa leruo Kgosi ya Letlhakane Botlhaba mo kgaolong ya Borwa, Rre Searobi Searobi, a re o tshwenngwa ke go nyelela ga dipodi le dikgomo mo kgaolong ya gagwe. Kgosi Searobi o buile jalo mo potsolotsong bosheng, a tlhalosa fa leruo la batho le nyelela ka mokgwa o ba sa o tlhaloganyeng. Kgosi a re leruo le tsewa ke batho ba ba tshelang le bone ebile bangwe e le bana ba ba tlhokomelwang ke batsadi le puso. A re bangwe ba na le meraka le dikgomo mme ba ise ba thusiwe ke puso ka lenaneo lepe, a tlatsa ka gore ba ba thusitsweng ke puso ka leruo la dihutshane ba nna fela ba lela ka go utswelwa, le motshegare tota. Kgosi Searobi a re ba sepodise ba tlhagafalele go bona gore seemo sa bogodu se boela morago ka bofefo, ka batho ba tla sala ba iphotlhere mme leruo e le lone le ba itshetsang ka lone. O ne gape a tlhalosa fa go na le leruo le le kgokgontshang banni ba Letlhakane ka go ba senyetsa mo malwapeng a bone mme a kopa beng ba dikgomo go di tlhokomela go itsa go senyetsa batho le go utswiwa. O boletse fa balemi monogwaga ba tsile go nna ka selelo, e ntse e le tebang le bogodu, ka e tlare nako e go robiwang ba bo ba simolola go ba utswetswa mo ditshimong jaaka dingwaga tse di fitileng. Kgosi Searobi a re ka jalo, thupa e boele mo dikgotleng gore batho ba ba senyang ba kgalemelwe ka thupa pele ga ba ka ya go kwadisa melato kwa go ba sepodise. Fa a tswelela ka tse di ba amang mo motseng, o boletse fa ba na le sebaka ba sa bone metsi mme kompone ya metsi, ya Water Utilities e nna e ba neela pampitshana ya sekoloto sa metsi e e supang madi a a sisimosang mmele mme ba nna ba sena metsi. Kgosi o kopile khamphani ya metsi go tokafatsa ditirelo tsa yone gore ba tswe mo lenyoreng, ka metsi ke one botshelo jwa batho. Kgosi o ne a boa a tlhalosa gape fa botho mo baneng ba motse bo sa itumedise bagolo, le fa ba kgalemelwa ba tswelela ka go ikgantsha mme ba ba fetole ka gore “le lona le fitile fa”. Kgosi Searobi, a sa boele morago ka kgang ya go kgwathisiwa mo dikgotleng, a re ke yone e ka rarabololang sengwe le sengwe le bana ba ka simolola go itse fa go na le ka fa ba ka thusiwang ka teng fa botho bo tlhaela. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Go dirisiwa bana botlhaswa go a tshwenya - Kgosi Kgamane Motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane a re go dirisiwa ga bana botlhaswa go tlhokanang le boikarabelo jwa botlhe gore go itepatepanngwe le gone. Kgosi Kgamane o boletse matshwenyego a ka Labotlhano kwa Tonota kwa moletlong wa go tsamaisa sentle Kgosi Ramosinyi Radipitse ga mmogo le go ikanisa semmuso Kgosi Bokamoso Radipitse go nna moeteledipele yo mosha wa Bakhurutshi ba Tonota morago ga gore rragwe a ithole marapo ka bogodi. O tlhalositse gore e re le ntswa dikgang tsa go dirisiwa ga bana botlhaswa kgotsa go thupiwa ga bone di utlwalelwa gantsi kwa mafatsheng a sele, go setse go lemosegile gore le mono gae di tsweletse ka go runya. Ka jalo a bolela fa go tlhokega gore mongwe le mongwe a rwale boikarabelo go ema kgatlhanong le go runya ga dikgang tse, a gwetlha magosi go ralala lefatshe leno go di goga kwa tlhogong go tswa ka methale ya go di thibela. O tlhalosa fa dikgosi jaaka e le bone baeteledipele ba merafe e le tshwanelo ya bone gore ba tlhomamise gore banni ba bone ka dinako tsotlhe ba babalesegile. O tlhalosa fa dikgang tsa go nna jalo di ama segolo bogolo basetsana. Kgosi Kgamane o tlhalositse fa mo mabakeng a mantsi basetsana ba solofediwa magodimo ke batho bangwe ba re ba ba senkela diphatlha tsa dikole kgotsa mebereko mme kwa pheletsong magodimo ao a fetoge di sele. A re bana ba go nna jalo ba feletsa ba dirisiwa mo ditirong tsa tlhakanelo dikobo kgotsa tsa borukutlhi. Ke gone ka moo Kgosi Kgamane a neng a kopa gore gangwe le gape fa motho a thapa ngwana kana mongwe fela a dire tumalano e e lolameng kwa bogosing le botsadi jwa yo o thapiwang gore botsadi bo nne ka kitso e e tletseng gore ngwana wa bone o thapilwe ke mang a tswa kae a ya go bereka e le eng kae. O bolela fa go dira jalo go ka thusa go menagane go tila dikgang tsa go thopiwa kana go dirisiwa ga bana botlhaswa. E re dikgang di eme jalo, Kgosi Kgamane o ne a gwetlha dikgosi lefatshe ka bophara go ititaya ka thupana go tsosolosa matlotlo a di-tsa tlholego a a fitlhelwang mo dikgaolong tsa bone. O ne a supa fa a sa jesiwe diwelang ke gore dingwe tsa di-tsa tlholego di a senyakwa mme di felele di sena boleng le bokao mo setshabeng. Kgosi o tlhalositse fa di-tsa tlholego di tlhokana le go somarelwa gore dikokomane tse di tlang di tle di tlhaloganye ka tsone gore go kile ga diragala eng. A re gape di ka thusa go fetola seemo sa itsholelo ya lefatshe ka jaana di ka dirisiwa mo ditirong tsa bojanala mme di kgone go ngoka bajanala go dira letseno le le ka thusang go diragadiwa ga ditlhabololo. society 9 Go jela bagodi ke bosetlhogo Mogolwane wa mokgatlho wa Aglow International o o thusang bagodi ba batlhoki ka dijo le diaparo, Mme Beauty Bogwasi, a re go utlwisa botlhoko gore batho bangwe ba masika ba bo ba itlwaeditse mokgwa o o sa siamang wa go tseela bagodi dijo tse ba thusiwang ka tsone. Mo moletlong o ba o dirang ngwaga le ngwaga wa go abela bagodi dimpho le go ba direla dijo tsa motshegare o o neng o tshwaretswe kwa sekolong se segolwane sa Tsodilo kwa Maun bosheng, Mme Bogwasi a re ka dinako dingwe o fitlhela mogodi yo o sa kgoneng le gone go apaya mme a na la boupi jo a ka bo fuduwang a nwa, batho ba go nna jalo ba mo bo tseela. O ikuetse mo bogosing le mo mopalamenteng wa Maun Botlhaba Rre Kosta Markus gore ba ba thuse gore batho ba ba tseelang bagodi dijo ba tseelwe dikgato. O boletse fa seemo se se tshwenya thata e bile se sa ba jese diwelang ka a re bagodi bangwe ba nna ba le nosi mme o fitlhela ba tseelwa ke batho fela ba ba santseng ba itekanetse go ka bereka. A re mokgatlho wa bone o thaetswe mo sekereseteng mme e bile ga o rotloetse go bua fela ka molomo mme o batla batho ba ba dirang ka matsogo. Mme Bogwasi o tsweletse a re kgwetlho e nngwe ke go tlhoka kemo nokeng ya ba ba nang le ditsompelo mo kgaolong eo, a re o ipotsa gore ke eng go ntse jalo ka batho ba itse fa go le thata gore bana ba tlhokomele batsadi ba bone. Le fa go ntse jalo, a re e rile bosheng ba abelwa setsha se maikaelelo a bone e leng go agela bagodi lefelo le ba tla a nnang ba lapolosa ditlhaloganyo teng le gone go itshidila maikutlo ka go bona sebaka sa go tsaya dikgang le balekane ba bone. A re bangwe ba tla a tshwanelwa ke go nna gone koo ka jaana ba sena bana le fa e le masika, fa bangwe bone ba tla a nna ba ya go tlhola koo mme ba busiwe maitseboa ba tlhapile e bile ba jele, sa bone e le go ya go robala fela. Fa a ntsha la gagwe, Mopalamente Rre Markus o galaletsa mokgatlho wa Aglow International a re o dira tiro e ntle thata a ba a re go tla a raya gore a itshwaraganye le bone gore ba bone gore lefelo leo e le ruri le a agiwa. O tsweletse a re kana motho fa a godile o fetoga go nna ngwana mme ka jalo o tlhoka tlhokomelo e ntsi, bopelotelele le lone lorato. Rre Markus a re mapalamente le makhanselara a kgaolo, ba itlamile go romiwa le go thusa gore maikaelelo a setshaba a diragale. Mookamela wa lekgotla leo, Dr Smitta Moalosi, o tlhalositse fa e tla a re nako nngwe le nngwe e ba bonang madi kana ope yo o ka intshang setlhabelo ka go aga lefelo leo, ba simolola gonne bone e le mokgatlho ba santse ba sena madi a go ka le tlhabolola. BOKHUTLO society 9 Lekoko le akgola sekole sa Masunga Lekoko la Lephata la Thuto go tswa kwa Moding la kgaolo ya Bokone Botlhaba le akgoletse sekolo se segolwane sa Masunga go bo se dirile sentle mo ditlhatlhobong tsa mophato wa botlhano. Lekoko le ne le akaretsa mookamedi wa lephata leo wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Labane Mokgosi. Kakgolo e tla jaana morago ga gore sekolo sa Masunga se gaise dikolo kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba mme e bile gape se tsere maemo a bobedi mo lefatsheng leno ka bophara. Mo ditlhatlhobong tsa ngwaga wa 2018, sekole sa Masunga se ne sa gapa maemo a bobedi mo kgaolong morago ga Mater Spei kwa Francistown, mme sa tsaya maemo a boraro lefatshe ka bophara. Ka jalo, Rre Mokgosi a re sekolo sa Masunga se tshwanelwa ke go galalediwa go bo se tsweletse ka go dira sentle, a re ke sone se ba neng ba ipha matsapa a go se etela go akgola babereki, baithuti, komiti ya batsadi le barutabana le ba-na-le seabe ba bangwe. A re sekole se dirile ditso ka jaana se thankgotse dikolo tse di tlwaelesegileng ka go itlhoma kwa tlhogong mo maduong a mophato wa botlhano. Rre Mokgosi o ne a phophotha legetla mogokgo wa sekolo seo, Mme Mmadube Letsholathebe le mothusi wa gagwe, Rre Gaisitege Chakalisa, go bo ba sa rwale matsogo mo tlhogong fa ba lebanwe ke dikgwetlho dingwe. O ne a gakolola baithuti go tlhagafalela dithuto gore le bone ba tle ba ntshe maduo a a nametsang le go nna baeteledipele ba lefatshe leno ba kamoso. Rre Mokgosi o ne a kopa baithuti ba basimane go emisa go iteega tsebe le go senya dithoto tsa sekolo. Rre Mokgosi o ne a kopa barutabana gore ba seka ba letla dikgwetlho tse ba kopanang le tsone go ba kgoba marapo. O ne a ba rotloetsa go itoma molomo wa tlase le go tswelela ba bereka ba le setlhopha go tshegetsa serodumo sa sekolo sa bone. Mabapi le matshwenyego aa neng a ntshiwa ke Rre Paragon Jersey mo boemong jwa barutabana la go sa tlhatlosiwa maemo ga bone, Rre Mokgosi a re fa go nna le phatlha epe e e fa godingwana mo sekolong sa bone, ba tshwanelwa ke go e phadisanela le balekane ba bone go tswa kwa dikolong tse dingwe. Mongwe wa barutabana, Rre Christopher Chikwakwa, o ne a supa fa ba lebanwe ke bothata jwa tlhaelo ya matlo a boroko jwa bodiredi le didirisiwa dingwe jaaka dikoloi, mme a re go botlhokwa gore dikolo tse di fang baithuti boroko di nne le dikoloi tse pedi. Mme Letsholathebe ene o ne a supa boitumelo go bo sekolo sa gagwe se kgonne go ntsha maduo ao. A re phenyo eo e nnile teng ka ntlha ya tshwaragano magareng ga barutabana, batsadi, baithuti le lekgotla le le tsamaisang sekolo mmogo le ba-na- le seabe. Barutabana le baithuti ba ne ba solofetsa lekoko leo fa ba tla ipapana ka gotlhe, ka maikaelelo a go tla ba tsaya maemo a ntlha lefatshe ka bophara. education 4 Kgosi Malema o rotloetsa morafe go lebogela pula Kgosi ya Bobonong, Kgosi Mmirwa Malema, o kopile magosi go tshwara dithapelo go leboga dipula tse di namagadi tse di neleng monongwaga. Fa a buisa phuthego mo kgotleng bosheng, Kgosi Malema a re, fela jaaka ba dirile ngwaga o o fetileng go kopa pula kwa go Ramasedi, ba tshwanetse go leboga Modimo ka dithapelo ka pula e ntse matsorotsoro mo kgaolong ya Bobirwa. Kgosi Malema a re, ditebogo tsa pula di tshwanetse go ipelelwa ka go tlisa letlhafula mo dikgotleng tsa kgaolo eo ka go farologana. O kopile gore metse ka go farologana e ipeele letsatsi le ba tla tshwarang dithapelo tsa tebogo ka lone. Fa a tswa la gagwe, mokwaledi wa makgotla a Setswana kwa Bobonong, Mme Agnes Ompatile o kopile dikgosi go tlhama dikomiti tsa bogosi tse di tla fang dikgakolo ka ditiro tsa bone. Mme Ompatile a re, dikomiti tseo di ka thusa mo ditshekong di tshwana le dituelo tsa tshenyo ya leruo mo masimong, manyalo a a dirwang mo dikgotleng le gore a ba ba atlhotsweng ba duela melato ya bone. A re, mosola wa komiti eo ke gore e tla thusa go somarela ngwao. Magosi a ile a lekodisiwa ka thulaganyo ya ditshekatsheko tsa go dupa metsi mo dinokeng tsa Shashe le Motloutse ,go a dirisa mo temong ya nosetso. Mogolwane yo o okametseng temo ya nosetso mo kgaolong ya Selibe-Phikwe le Bobirwa, Rre Oaitse Keikitse a re, kompone ya Geo Science Consulting Services le Pinagare Engineers ba dira tiro eo ya tshekatsheko mo boemong ja lephata la temo-thuo. Rre Keikitse a re, kompone eo e tla bo e dira le tshekatsheko ya metsi a a leswe gore a ka dirisiwa jang mo temong ya nosetso. O lekodisitse magosi a Bobirwa gore tiro eo, e e simolotseng ngwaga o o fetileng e tsweletse mme e tla wela ka kgwedi ya Phalane monongwaga, jalo ba lekodise banni ka yone. Rre Keikitse a re, tshekatsheko e, e dirwa go bona gore dinoka tsa Motloutse le Shashe di ka tswa di nale metsi a a lekaneng, e bile a siametse go dirisiwa mo temong ya nosetso e e ka kgonang go jesa lefatshe leno le go rekisetsa mafatshe a mangwe. A re, fa ditshekatsheko di ka supa mafelo mangwe a a ka dirisiwang mo temong eo, ditlamelo di tshwana le motlakase di tla tsamaisiwa gaufi le mafelo ao. Rre Keikitse a re, motlakase o botlhokwa mo temong ka go dirisa leokwane jaaka diesel, go le tlhwatlhwa kgolo. Modiri wa kopone ya Pinagare Tavengwa Muziri a re, mo ditshekatshekong tse ba setseng ba di dirile, ba setse ba bone lefatshe la ditema dile lekgolo fa noka ya Kweneng e kopanang teng le ya Motloutse kwa Bobonong, gammogo le di le masome a marataro kwa Motlhabaneng , mme a supa fa e santse e le tshekatsheko, tiro e ise e wele. A re, tiro e, ga e a tshwanela go kgoreletsa balemi le barui ba ba ntseng ba dirisa noka ya Motloutse go itshetsa, ka ba tla a tswa ka maano a a ka se kgoreletseng tikologo. Magosi a kgaolo a amogetse tiro e ka atla tsoo pedi, mme ba supa fa ba ntse ba emetse tlhabololo eo ka metsi a noka ya Motloutse a ntse a feta fela a sa akolwe ke Batswana. Bokhutlo religion_and_belief 8 Temo e botlhokwa mo dikoleng Mokwaledi wa lephata la thuto le tlhabololo dikitso, Mme Grace Muzila, a re lephata la thuto ga le a tshwanela go ikgatholosa dithuto tsa temo mo dikoleng. O buile jalo bosheng fa a amogela dijwalo tsa merogo tse di neng di abiwa ke lephata la Technical Vocational Education and Training di abelwa sekole se sebotlana sa Solomon Dihutso kwa Mogoditshane. Mme Muzila a re temothuo e ka tlhama diphatlha tsa mebereko kwa ntle ga ditswammung. A re go tokafatsa maduo a temothuo mo dikoleng, go tlhokafala gore bana ba rutwe ka go dira ka diatla gore go tle go nne motlhofo gore ba tlhaloganye se ba se ithutileng ka pela. Mme Muzila o lebogile banka ya Standard Chartered, ba ba abetseng sekole seo tshingwana ya merogo, e e leng yone e dirileng gore kabo dimpho tseo tsa dijwalo e nne motlhofo ka jaanong go na le fa di ka jalwang teng. O ne a akgolela le baithuti ba Tshwaragano Brigade go ithaopela go direla sekole seo dipoloto le go tlhabolola tshingwana ya bone ya merogo. Mo go tse dingwe, Mme Muzila a re ba tlaa kopanela mathata a a aparetseng lephata la thuto jaaka letlhoko la boroko le mantlwana a borutelo, le lephata la dikgaolo le tlhabololo magae. O ikuetse mo barutabaneng le bana ba sekole ka kakaretso go nna pelotlhomogi, segolo bogolo mo go ba ba nang lebogole, ka a re ba tlhoka go bontshiwa lerato. O gateletse gore lephata la botsogo le dirisa madi a mantsi ka ntlha ya gore batho ga ba tshele ka kagiso le ba bangwe. Sekole sa Solomon Dihutso ke sengwe sa dikole tse di nang le ba-na-le-bogole. Bana bao ba palo e e tshwarang masome a marataro le bobedi mme ba tswa mo metseng e e mabapi jaaka Kopong, Gabane, Mmopane le Tloaneng. Bokhutlo education 4 Banni ba Kgari ba lebogela go rotha ga ditlhabololo Banni ba Kgari ba lebogetse mopalamente wa Tati Bophirima yo gape e leng mothusa tona wa botsogo le boitekanelo, Rre Biggie Butale ditlhabololo tse di tsileng morago ga go itela. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Kgari, Rre Thomas Chabalala, o tlhalositse mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe bosheng fa ba kgonne go aga ntlo ka madi a a abetsweng dikgaolwana. Rre Chabalala a re ba santse ba lela ka letlhoko la boroko, segolo thata ntlo ya mooki ka e e leng teng e se mo seemong se se itumedisang. O kopile gore Kgari a thusiwe ka koloi e e ka ba tseelang balwetse le melemo, a re mo bogompienong, ba thusiwa ke koloi ya kokelo ya Ramokgwebana kana Moroka. A re se se ba baya ka fa mosing ka balwetse ga ba bone thuso ka nako. Rre Chabalala o kopile gore motse oo, o agelwe ntlwana e e ka dirisiwang jaaka motlobo wa dibuka, a kaya fa maduo a baithuti ba lokwalo lwa bosupa a 2018 a tokafetse e le 71.5 per cent fa go tshwantshanngwa le 62 per cent ka 2017. A re ba ikemiseditse go ema bana nokeng go bona gore maduo a tswelela ka go tokafala. Le fa go ntse jalo, Rre Chabalala a re go santse go na le dilo dingwe tse di fatlhang mo motseng jaaka bogodu jwa motlhaba jo bo ileng magoletsa. A re go supagala fa go na le bangwe ba ba tsayang motlhaba ba sena diteseletso. Botlhoka tsebe jo a re bo busetsa motse kwa morago ka motlhaba oo, o ka bo o tsenyetsa banni letseno. Rre Chabalala o ne gape a ikuela ka go tlhoka tirisanyo ga bone le koporase ya metsi mo e bileng ba dikile ba sokotse. A re Sedimonthole o ne a le maswe go feta ka go ne go omeletse go sena le fa e le thothi e e rothang mo dipompong mme go se ope yo o ba rerisang ka se se diragalang. A re fela jaaka ba koporase ya motlakase, ba koporase ya metsi le bone ba tshwanetse go ba itsese ka kgaogo ya metsi ga mmogo le lobaka lo e tlaa diragalang ka lone gore ba ipaakanye. Mogolwane go tswa kwa koporaseng ya metsi, Rre Mogapi Tau o tlhalositse fa ba abetswe madi go baakanya dipompo le tse dingwe tse di kgoreletsang metsi go goroga kwa go bone a bo a ikopa maitshwarelo ka seemo se se diragetseng. A re dingwe dipompo di ne di thibile, di sa kgone go fetisa metsi. Rre Butale o tlhaloseditse banni ka melao-kakanyetso e e fetisitsweng kwa palamenteng segolo jang wa dikatlholo tsa bogodu jwa leruo ka ebile e le selelo kwa motseng wa bone. Rre Butale o rotloeditsa banni go ikwadisetsa mokgatlho wa poloko go ba imolola morwalo ka nako ya fa ba tlhokafaletswe. O ne a supa fa a tlaa isa dilelo tsa bone kwa go ba ba maleba. health 6 Ba ba akotseng lenaneo ba ntsha kgakololo Bangwe ba ba akotseng lenaneo la nyeletso lehuma mo Maun ba kopa gore le akaretse dithuto tsa go tsamaisa kgwebo le tiriso ya madi. Ba buile jalo mo bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke ofisi ya nyeletso lehuma go tsaya megopolo go dira moalo o mosha wa lenaneo leo bosheng. Mme Ikanyeng Nalemeno o boletse gore nyeletso lehuma e mo thusitse, mme go le gantsi dikgwebo tsa bangwe ga di atlege ka ntlha ya go tlhoka kitso ya madi le tsa kgwebo. Ka jalo Mme Nalemeno o ne a kopa gore go ya pele lenaneo leo le fe baikopedi dithuto tsa go nna jalo go ba thusa go dirisa madi a kgwebo sentle. O ne gape a re go ka nna molemo fa ba ba filweng mananeo ba ka rotloediwa go aga ditlhotshwana gore ba kgone go arogana maitemogelo le tse dingwe tsa kgwebo, a re e bile seo se ka fokoletsa ba boipelego tiro ka bagwebi ba ka thusana dikgwetho tse dingwe. Mme Nalemeno o ne gape a re go ka nna molemo fa baikopedi ba ka fiwa se ba se batlang e seng gore ba fiwe se se gaufi go twe tse ba di batlang di tletse, a re seo le sone se baka gore dikgwebo dingwe di palelwe ka kgwebo e atlega fa motho a rata se a se dirang. Rre Mokenti Ramaeba yo o akotseng lenaneo la go tshwara ditlhapi ene o ne a lebogela lenaneo leo, a re mme le ka ba tswela mosola fa go ka okediwa tse di fiwang ka setsidifatse, a re seo seka atolosa kgwebo ya bone gore e nne le dipoelo tse di botoka. Mme Kagoetsile Gaanowe ene o ne a re go sekasekwe dithutuntsho tse di fiwang ba ba atlegileng, a re dithuto dingwe tse di fiwang ba ditiro tsa diatla ga di na boleng ka ke se ba se itseng gole gale ebile ga dina ditlankana. Mme Gaanowe o ne gape a re ba sekasekelwe marekisetso a a mo ponong ya bareki, bogolo jang ka go reka bajanala thata mo go bone ba tiro tsa diatla. Rre Maseke Segole yo o thusitsweng ka lenaneo la go tlhatswa ene o ne a supa fa kgwebo ya gagwe e tsamaya sentle, ka jalo a gwetlha ba bangwe gore ba seka ba ineela fa ba kopana le dikgwetlho, ba loge maano a go fenya. Rre Mathata Mododo wa lenaneo la kapei le ene o ne a supa fa a tsweletse sentle e bile a kgonne go reka dijana tse di neng di tlhaela fa a fiwa lenaneo. Rre Mododo o ne gwetlha badiri ka ene go boloka bonnyenyane jwa dipoelo tsa bone. Mothusa morulaganyi wa ofisi ya nyeletso lehuma, Rre Ndiye Moloi o ne a re maikaelelo a bokopano joo ke go tsaya megopolo ya ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyelotso lehuma. A re megopolo ya bone e ka thusa go baakanya moalo o mosha wa nyeletso lehuma o maikaelelo a one e leng go akaretsa mongwe le mongwe yo o amilweng ke lehuma. A re maikaelelo a mangwe ke go dira lenaneo le le nang le ditsetlana tsa go latedisa gore mananeo a dira sentle. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Babelaelwa ba falotse ntlo lefitshwana ka bobi jwa segokgo Segopa sa borre ba le bane ba falotse kgolegelo ka bobi kwa segokgo kgatlhanong le molato wa go fitlhelwa ka setlhatshana se go belaesegang e le motokwane. Go tla jaana morago ga gore ba bosekisi ba retelelwe ke go fa bosupi jo bo nitameng fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata wa Hukuntsi ka Mosupologo. Go bolelwa fa babelaelwa bao, ba ba tlholegang kwa Hukuntsi ebong; Keamogetse Keorapetse (39) wa kgotla ya Go-Tshweu, Lopang Gaesiwe (36) wa kgotla ya Magobelelo, Geoffrey Koko (29) wa kgotla ya Gakhibana le Kopano Mabusa (41) wa kgotla ya Magobelelo, e ne ya re Moranang a tlhola malatsi a le mane ba fitlhelwa ka setlhatshana se go belaesegang e le motokwane. Le fa go ntse jalo, mosekisi go tswa kwa go ba sepodisi sa Tshane, Assistant Superintendent Poloko Oteng o ne a tsenya tshutiso ya gore e le ba bosekisi ba tsholola kgang ya tsheko ka jaana ba reteletswe ke go nna le bosupi jo ka jone ba ka amanyang babelaelwa le molato wa go fitlhelwa ka setlhatshana se go belaesegang e le motokwame. Asst Superintendent Oteng o tlhalositse fa se se bakilwe ke gore ka nako ya fa ba phuruphutshiwa ke ba sepodisi, babelaelwa ba ne ba fitlhelwa ba le tshenene fela go sena mephuthelwane epe mo go bone, le mororo ba ne ba le mo lefelong la tiragalo ya molato ka nako eo. A re ba sepodisi ba ne ba bega mophuthelwana wa bokete jwa 4.1g o ka maswabi o tlhokileng mong. Le fa go ntse jalo, babelaelwa ba ne ba dumalana ka bongwefela jwa pelo le tshutiso ya ba bosekisi gore kgang ya bone e thololwe fa pele ga lekgotla kwa ntle ga makgwere ape. Go ya ka bosupi jwa ba bosekisi, Mmakaseterata Tshepo Magetse o ne a tsholola kgang, mme a tlhagisa ba bosekisi gore ba bo ba tsepame mo tshutisong ya bone e bile ba rurifaditse tsotlhe tse di tshwanetseng go salwa morago gore kgang e ka tshololwa ka jaana a re ga a solofele fa go na le kgonagalo ya gore kgang eo e ka boa ya tla go kwadisiwa mo kgotleng ya ditsheko. Mmakaseterata Magetse o ne a ema babelaelwa ka lefoko la gore le ntswa ba sa tswa go falola go ya go disa poo, ba seka ba tshokana ka ba inaakantse le tiriso ya ditlhatshana tse di sa letlelelweng ka fa molaong mo lefatsheng leno, e seng jalo ba tlaa di gama ba sa ditlhapela. crime_law_and_justice 1 Baphepafatsi ba lela ka go kgaolwa mo tirong Baphepafatsi ba kokelo ya Mahalapye le ya Sekgoma kwa Serowe ba tshwaile bagolwane ba lephata la botsogo phoso ba bolela fa go ba kgaola mo ditirong ga bone go tletse boferefere. Baphepafatsi ba boletse mo potsolotsong fa mokwaledi mogolo mo lephateng la botsogo, Rre Kolaatamo Malefho, a setse a ba romeletse dikwalo tsa go intsha mo tirong, kgwedi eno e le masome mararo le motso, jaaka bangwe ba ne ba ikopetse mo ngwageng o o fetileng Lwetse a le lesome le borataro. Mo lokwalong leo, le le kwadilweng Tlhakole a tlhola malatsi a le mane, go tlhalosiwa fa khamphani e e thapilweng ke puso go dira tiro mo boemong jwa babereki bao e tshwanetse go simolola Moranang a rogwa. Mme Efentse Rankgomo, yo e leng mongwe wa ba ba kgaolwang, o boletse fa mo kokelong ya Mahalapye go kgaotswe babereki ba feta masome a mabedi, fa kwa Sekgoma palo ya badiri ba ba kgaolwang e ise e tlhomamisiwe. Mme Rankgomo o supile bagolwane ba lephata la botsogo le baeteledipele ba lekgotla la Botswana Manual Workers Union ka monwana a re ba dirisitse maretshwa a go dumalana ka go ba kgaola mo tirong le mororo go se na se ba ka itshetsang ka sone, a tlatsa ka go re se se utlwisang botlhoko le go feta ke gore Botswana Manual Workers Union ke yone e go kabong go twe e lebagane le go lwela ditshwanelo tsa babereki. A re se se tshwenyang e bile se hutsafatsa ke gore bangwe ba bone ba setse ba itsentse mo dikolotong ka go adima madi mo dibankeng go leka go tsweledisa matshelo ka jaana ba ne ba ikaegile ka ditiro tse ba neng ba dira mo go tsone, a tlatsa ka go bolela fa puso e ferekanetse maikaelelo a yone a go ba batlela ditiro mo maphateng a mangwe kana go ba tsenya mo dikokelwaneng tsa puso. Bagolwane ba kokelo ya Mahalapye ba ne ba se yo go ka akgela mo go se. Le fa go ntse jalo, moanamisa mafoko wa lephata la botsogo, Mme Doreen Motshegwa,o tlhalositse fa lephata la botsogo le tshwere diphuthego di le mmalwa le badiri ba dikokelo go ba lemotsha ka maikaelelo a puso a go ithola ditiro le go neela dikhamphani tse di ikemetseng ditiro dingwe tse di ntseng di dirwa ke puso. Mme Motshegwa a re le fa babereki bangwe ba leka go supa puso ka monwana, gone puso e tswa kgakala e lekodisa badiri ka maikaelelo a go tsenya ditiro dingwe mo dikhamphaning tse di ikemetseng. BOKHUTLO society 9 Tlhalerwa o abela komiti ya ditlhabololo Mokwaledi yo o faphegileng wa ga Tautona, Brigadier George Tlhalerwa, o abetse komiti ya ditlhabololo tsa Shakwe P10 000 go agela Rre Onkobile Galentloge ntlo. O ne gape a ba neela setlankana se se ntshitsweng ke Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama go lebogela komiti go nna le mowa wa kutlwelo botlhoko mo go ba ba dikobo dikhutshwane. Brigadier Tlhalerwa o abile madi ao mo modirong o mo go one a neng a abela Mme Grace Motshegwa ntlo ya kamore e le nngwe le ntlwana ya boitiketso tse a di agetsweng ke komiti ya ditlhabololo le badirelapuso ba ba direlang kwa Shakwe ka Labotlhano. A re go a itumedisa go bona Batswana ba tshwaragane le mmuso gammogo le dikhamphani tse di ikemetseng ka nosi go thusa Batswana ba ba sa ikgoneng ka go ba agela matlo a boroko ele tsela nngwe ya go tsosolosa seriti sa bone. Brigadier Tlhaerwa a re e re ka Setswana se re setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata, ke sone se komiti ya ditlhabololo tsa Shakwe, morafe gammogo le badirelapuso ba kgonneng go thusana go agela Mme Motshegwa ntlo. E rile Mme Gobonwang Ngakaemang a bua mo boemong jwa komiti ya ditlhabololo tsa motse, a bolela fa ba tsere tshwetso ya go agela Mme Motshegwa ntlo ka go lemoga fa ene le bana ba gagwe ba ba supang go sena fa ba latsang tlhogo teng, mo e bileng ba ne ba patelesega go kopa boroko mo baagisanying. Mme Ngakaemang a re ka ntlha ya kemo nokeng ya mokhanselara, morafe le badirelapuso ke sone se ba kgonneng go diragatsa mogopolo wa go agela Mme Motshegwa mme a re o ka leboga go menagane fa batho ba Shakwe ba ka tswelela ka mowa wa tirisano mmogo le kutlwelo botlhoko. Mo tirong eo, Brigadier Tlhalerwa o ne a tlhomamisetsa banni ba Shakwe fa a tlaa thusa ba lelwapa leo ka malao a le mabedi kgwedi eno e le masome a mabedi le bone. Bokhutlo society 9 Ipaakanyetseng dikgwetlho - Arone Banni ba kgaolo ya Okavango ba gakolotswe go ipaakanyetsa ditlamorago tse di ka tlang ka nako ya go dirwa ditlhabololo mo kgaolong ya bone. Kgakololo e tsile ka mopalamente wa kgaolo eo, Rre Bagalatia Arone mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Kauxwi, Mohembo East, Xhaoga le Samochima. Rre Arone a re ditlhabololo tseo di akaretsa kago ya borogo kwa Mohembo, kago ya kokelo, mafaratlhatlha a diofisi tsa badirelapuso le tse dingwe. Ka jalo banni ba kgaolo eo ga ba a tshwanela go tlala fela ka boitumelo mme ba itebatsa ditlamorago tsa tsone. “Bogolo jang lona banana, ga ke eletse seemo se se neng sa diragala ka nako e go neng go lwantshiwa bolwetse jwa dikgomo jwa lekgwafo ka bo 1995 fa malwapa mangwe a ile a thubega mme bangwe ba tsenwa ke malwetse a tshwana le HIV/AIDS,’’ ga bua Rre Arone. A re ka jalo go botlhokwa gore mongwe le mongwe a ipaakanyetse diemo tseo nako e sale teng. O ne gape a gakolola gore go ipaakanyediwe go tla go dira dikgwebo bogolo jang tsa go rekisa dijo go thusa ba ba tlaa bong ba bereka kwa dikhamphaning Mo go tse dingwe, Rre Arone o gwetlhile banana go kgaratlhela go tlhabolola matshelo a bone ka go inaakanya le mananeo a puso go na le go ikaega fela ka thulaganyo ya Ipelegeng ka e le ya nakwana. A re go a tshwenya go bo bontsi jwa banana ba kgaolo ya gagwe bo santse bo goga dinao go dirisa mananeo a puso ntswa puso e atolotse letsogo ka lenaneo la Youth Development Fund, la gender le a mangwe. “Tswee-tswee fetolang dikgwetlho tsa lona go nna tswelelo pele ka go emisa go senya nako ya lona ka go itontela nno tagi le borukutlhi mme le etele badirelapuso go botsa ka mananeo a a tlaa le tlhabololang,’’ mopalamente a gatelela. E rile ba mokgwa dikgaba, banana bangwe ba ngongoregela go bo badirelapuso bangwe ba goga dinao go ba thusa selo se ba reng se ba kgoba barapo fa bangwe ba re ba kgobiwa marapo ke lekgotlana la kabo ditsha la Shakawe ka go diegela go ba abela ditsha tsa kgwebo. Le fa gontse jalo, mongwe wa banana, Rre Thebe Koloi o tlhalositse fa bontsi jwa banana bo sa kgone go tsaya mananeo a puso ka gore ba fela pelo fa badiredi ba ba kopa go ya go dira dipaakanyo mo go tse ba di kopang a bo a ba gwetlha go emisa mokgwa oo ka ba itiela sebaka. E rile a tsibogela dingongorego tsa bone, Rre Arone a ba kopa go nna pelotelele go fitlhelela ba kgona se ba se tlhokang, mabapi le go tlhoka ditlankana tsa dikgwebo, o ba gakolotse go dira dikgwebo tse di sa tlhokeng ditsha jaaka go rekisetsa dinekere mo malwapeng go fitlhelela ba fiwa ditsha. A re go tlhoka ditsha ga go a tshwanela go nna seipato mme ba tshwanetse go supa motlhala ka maikaelelo a bone. O gwetlhile badirelapuso ba ba santseng ba goga dinao le bone go tlogela mokgwa oo mme ba thuse setshaba ka tshwanelo go diragatsa maikaelelo a puso. BOKHUTLO society 9 Badirelapuso ba kgothadiwa go itshwara sentle Mokwaledi mogolo wa ga Tautona, Rre Cater Morupisi o kgothaditse badirelapuso ba Charleshill le Ghanzi go nna le boinnelo, botho le bopelotelele fa ba thusa setshaba. Fa a buisa badirela puso kwa Charlehill le Ghanzi bosheng, Rre Morupisi a re badirelapuso ba eme ka dinao go thusa Batswana ka mananeo a puso. Rre Morupisi a re o tshwenngwa ke badirelapuso ba ba gogang dinao mo tirong, a re go dira jalo go isa itsholelo ya lefatshe kwa tlase ebile ditlhabololo di salela kwa morago lefatshe ka bophara mme a ba gwetlha go thusa Batswana ka nako. O kopile badirelapuso go tlhama ditiro mo dikgaolong tse ba berekelang mo go tsone, a re ba ka dira seo ka go thusa beng ba dikgwebo ka bofefo ka tse ba di tlhokang jaaka ditsha ka dikgwebo tseo di ka tlhama mebereko. A re Tautona o batla gore go tsamisiwe dilo sentle, ditlamelo di isiwe kwa Batswaneng ka bofefo, selo se a reng se ka kgonega fa ba bereka ba tshwaragane. Rre Morupisi a re badirela puso ba tshwanetse go itshwara sentle, le fa ba se mo tirong. O tlhagisitse badirela puso fa e le molato go tsaya karolo mo ditlhophong tsa peo letlhokwa tsa diphati tsa sepolotiki, a re ope yo o akanyang go ikutswa go tlhopha o tlaa ne a sa le a tshwerwe phakela ka go tsile go dirisiwa Omang yo o dirisiwang mo dituelong tsa badirela puso . A re go nna le karata ya boloko jwa diphathi tsa sepolotiki gone go a letlelesega mo badirela pusong. E rile ba akgela, badirela puso ba ikuela ka letlhoko la boroko ba supa fa go na le badirela puso ba ba hirisitseng mo malwapeng bo tura go na le matlo a puso mme ba kopa go thusiwa ka matlo a boroko. Ba ne ba supa fa bangwe ba ne ba isiwa ba dikoleng mme ba seka ba tlhatlosiwa maemo fa ba boa. Ba kopile gape gore badirelapuso ba ba bereketseng mo lefelong le lengwe sebaka, ba isiwe kwa mafelong a mangwe ka go nna mo lefelong le lengwe go ka isa maduo tlase. Rre Morupisi o ne a kopa molaodi le mokwaledi wa khansele go kopana le bagolwane ba maphata go tswa ka tharabololo ya maduo a dikole tsa kgaolo ya Ghanzi a a kwa tlase gore a ka tokafadiwa jang. O solofeditse fa a tlaa kopanela dikopo tse dingwe le maphata go utlwa gore matsapa di a tsaya kae. A re puso e tsile go leka ka bojotlhe go tokafatsa tlhaelo ya boroko. Rre Morupisi o kopile maphata go duela babereki ka nako fa ba theogetse ka mafelo a beke. Bokhutlo politics 7 Mokhanselara wa Mogorosi/Thabala o gasa molaetsa wa COVID-19 Maiteko a go gasa molaetsa ka thibelo kanamo ya mogare wa corona mo kgaolong-potlana ya Serowe ile magoletsa. Goriana mokhanselara wa Mogorosi/Thabala, Rre Edward Gaefele, o dirisa koloi ya gagwe go gasa molaetsa ka thibelo kanamo ya mogare wa corona. Gape o kwadile melaetsa yotlhe ya go tsibosa batlhophi ka go ipabalela le go sala morago melawana ya thibelo ya mogare. Rre Gaefele o boletse fa bolwetse jwa COVID-19 bo babaletse itsholelo ya mafatshe ka bophara, e bile dintsho tsa teng di tsitsibanya mmele, ke ka moo a boneng gore a gakolole batlhophi kgapetsakgapetsa ka go itlhokomela le go obamela dikgakololo tsa ba botsogo. O boletse fa a dira jalo ka boithaopo, go kwala melaetsa le go gasa melaetsa mo masimo, meraka le metsana mo kgaolong ya gagwe ya botlhophi. A re jaanong batho ka bontsi ba tsere melaetsa ka tlhoafalo, e bile ba amogela molaetsa botoka fa go bua bogogi jwa kgaolo jaaka magosi le makhanselara. health 6 Ba kgothadiwa go simolola mekgatlho Mogolwane wa thibelo dikgobalo wa Motor Vehicle Accident Fund, MVA, Mme Kwenantle Otukile o kgothaditse bagokgo ba dikole tsa Boteti go simolodisa mekgatlho ya ipabalelo tseleng mo dikoleng tsa bone gore bana ba kgone go rutwa ka ipabalelo tseleng. Mme Otukile o dirile kgothatso e kwa thuto-puisanong ya go simolodisa mekgatlho ya ipabalelo tseleng ya dikole tsa Boteti kwa Letlhakane ka Labotlhano, mme a bolela gore se ba se dirang ke go itebaganya le motho ka jaana koloi ka nosi fa e sena motho mo teng e ka seka ya dira kotsi. A re ba na le lenaneo la go simolodisa mekgatlho ya ipabalelo tseleng mo dikoleng ka jaana ba lemogile gore bana ba tlhaela kitso, mme e bile ke bone ba amiwang thata ke dikotsi selo se a reng se a tlhobaetsa. Mme Otukile o ba kgothaditse go tlhopha setlhopha sa ba na le seabe ba ba akaretsang batsadi, barutabana, mapodise ba lephata la ipabalelo tseleng le bana ba le babedi e le batsamaisi ba mekgatlho e. O tsweletse a ba kopa go inaakanya le komiti ya ipabalelo tseleng ya kgaolo ya go ithuta le go tsaya malebela mo go yone gore ba kgone go atlega, a tlatsa ka gore ba tshwanetse ba dira lenaneo la megopolo e ba ikaelelang go e diragatsa. Mme Otukile a re fa ba sena go tlhama mekgatlho e, ba bo ba itsese ba MVA gore ba tle ba rutuntshe bana, a tlatsa ka gore mananeo otlhe a ba batlang go a dira ba romela lenaneo la one kwa MVA gore e ba thuse ka madi. Mogokgo wa sekole se segolwane sa Motsumi, Rre Mathumo Sechele o supile gore le bone ba tshwentswe ke dikotsi tsa tsela tse di amang bana mo kgaolong ya Boteti, selo se a reng ke sone se ba gwetlhileng go kopa thuso kwa MVA. Rre Sechele a re maikaelelo a bone ke go bona bana ba nna le kitso ka ipabalelo tseleng ka jalo a re go simolodisa mekgatlho ya ipabalelo tseleng mo dikoleng go tla thusa thata ka bana ba ba mo mekgatlhong e ba tlaa ruta ba bangwe ka ipabalelo tseleng. A re dikoloi di dintsi ka jalo dikotsi le tsone di golela pele, a tlatsa ka gore go latlhegelwa ke ngwana a le mongwe mo kotsing ya tsela ke tatlegelo e kgolo. Modulasetilo wa komiti ya ipabalelo tseleng ya kgaolo, Rre Bahithi Keiphokotse a re go nowa bojalwa phetelela, dikoloi le tsone di tsamaya ka lebelo le le kwa godimo mo motseng wa Letlhakane ka jalo dikotsi le tsone di ile magoletsa tse e bileng di ama bana le batsamaya ka dinao. A re o solofela gore ba ba neng ba tsene thuto-puisano e ba tlaa ya go kgaogana kitso e ba e amuleng le ba bangwe gore ba tle ba kgone maikaelelo a bone a go anamisa thuto ya ipabalelo tseleng mo baneng ba dikole. education 4 Seemo sa ditsela le metsi se a tshwenya Go kaiwa fa seemo sa ditsela mo kgalong potlana ya Letlhakeng ga mmogo le tsamaiso ya metsi ya kompone ya Water Utilities di tshwenya thata. Makhanselara ba kgaolo potlana eo ba supile fa ba na le lesokolela ka tsamaiso ya kompone eo ya metsi bogolo jang mo tsamaisong ya kgokelo ya metsi, dituelo le tsibogo ya go baakanya dipompo. Modulasetilo wa khansele potlana e, Rre Tshoganetso Leuwe o ne a ntsha matshwenyego a gore go tsaya lobaka gore kompone ya Water Utilities e tsibogele dipego tsa go senyega ga dipompo mo go bakang gore metsi a senyege a le mantsi. Fa a baya khansele lefoko mogolwane go tswa mo komponeng ya metsi mme Portia Keakabetse o ne a tlhalosetsa khansele gore matshwenyego a metsi a bakwa ke leruo le batho ba ba bulelang metsi ba bo ba sa a tswale, a re ba dira bojotlhe go tsibogela dilelo tsa Batswana ka bonako. Khansele e ne gape ya itela ka seemo sa ditsela mo kgaolong potlana ba kaya fa gotlhelele di sa kgatlhe. Fa a akgela mokhanselara wa Moshaweng Rre Tshepiso Lesope o ne a gatelela gore kwa kgaolong ya gagwe ditsela ga di mo seemong se se nametsang a tlhalosa fa kgang eo e buetswe ruri mme go sena tokafalo epe. Mokhanselara wa Takatokwane mme Neo Segaise o buile a menne phatla a re kgang ya ditsela tse di sa itekanelang e tshwenya thata, a re kgaolo potlana ya Letlhakeng e amilwe thata ke seemo se. O tladitse ka gore seemo se se diphatsa mo matshelong a batho, mme o tshwenyega thata ka kgang eo ya ditsela. politics 7 Mathiba o gopola morwa Seretse lick to see more pictures Dingwaga e setse e le tse di masome mane morago ga go tlhokafala ga ga tautona wa ntlha wa lefatshe leno, Sir Seretse Khama mme go lebega a santse a agile mo dipelong tsa Bontsi jwa Batswana ebile go le thata go ka mo lebala. “Lorato, botho le kutlwelobotlhoko ke tse re tlaa tswelelang re gopola Tautona Sir Seretse Khama ka tsone. O ne a agile mo dipelong tsa rona a re rata le rona re mo rata,” go bua Rre Okanokile Mathiba a gopola ka fa a godileng ka teng le mogaka wa pele wa Botswana. Rre Mathiba, yo o tsetsweng kwa motseng mogolo wa Bangwato wa Serowe ka ngwaga wa 1922, o nnile le sebaka sa go nna gautshwane le Sir Seretse Khama yo a neng gape a le kgosikgolo ya morafe wa Bangwato. Ka a ne a tsetswe ngwaga morago ga ga Sir Seretse Khama, ba ne ba gola mmogo ba le mo mophatong o le mongwe wa Malekantwa mme fela a sa lebale gore ke mong wa gagwe a mo fa tlotla ka nako tsotlhe. Mo potsolotsong Rre Mathiba a re ‘Seretse’ jaaka a ne a tlwaetse go mmitsa, o ne a sale a itshupile gore o tlaa nna moeteledipele yo ditshaba ka bontsi di tlaa mo eletsang, a le lorato, boineelo, a sena maikgogomoso ebile a itse fa motho e le motho ka ba bangwe. “Ka e ne e le ngwana wa kgosi o ile a nna le sebaka sa go tsena sekolo mme ka nako eo re ne re mo tlhwafalela. Le fa go ntse jalo Seretse o ne a sa lebale morafe wa gagwe, e re fa dikolo di tswetswe a tle gae go tsweledisa tsa mo gae, se se ile sa tswelela fela jalo go fitlhelela e nna tautona,” Rre Mathiba a tlhalosa. O ne a bua jaaka Seretse a ne a ka seke a nne a sa tle Serowe mme ebile a ka seke a tlhoke go gata kwa kgotleng e tona, a re selo se se ne se tsisa boitumelo jo bogolo mo dipelong tsa Bangwato, le ka fa ba neng ba ema ka dinao ka teng bam o amogela ka megolokwane fa a goroga kwa kgotleng. “Go ne go tlala thata kwa kgotleng fa a tsile. Re ne re mo tlhokomela a sa wele fa fatshe ka ene e le kgosi ya rona. Le ene o ne a na le lorato mo go rona, a bua ka botswerere ka setho, a sa ipone gore ke Kgosi, ke sone se le bana ba gagwe re ba ratang ka sone bogolo jang Ian.” Botshelo jwa ga Rre Mathiba le Sir Seretse Khama ga bo a felela fela kwa gae mme ka Motswana a tswa kgakala le temo thuo, bobeding jwa bone bo ne bo tshwaragane gape le mo botshelong jwa Setswana ba lema mmogo kwa Taukome gaufi le metse ya Paje le Mabeleapudi. E ne e le tshimo e e neng e belega Bangwato ka go farologana, ba a ja ba latlha go sena yo o bolawang ke tlala tshimo ya mong wa bone e le teng. E ne e re maitseboa fa Seretse a tsile kwa masimo go bo go phuthaganwe go goditswe molelo. “Go dira jalo go ne go bopaganya morafe ebile go thusa go abelana maele a gore re ka tlhabolola motse wa rona jang,” ga bua jalo Rre Mathiba. Le fa ka nako eo Bangwato ba ne ba eteletswe pele ke motshwarela-bogosi jwa Bangwato wa pele Tshekedi Khama, Seretse o ne a le gaufi le dipelo tsa Bangwato go feta Tshekedi. Fa Tshekedi a ya go thibelela kwa Pilikwe bontsi jwa Bangwato ba ne ba sala ka ba ne ba rata Seretse fela thata mme Tshekedi a tsamaya le palo e seng ntsi ya morafe go ya go thibelela koo. Le fa go ntse jalo, Modimo ga a ka a fa Bangwato nako e telele ya go akola lorato le tirisano mmogo le kgosi ya bone ka jaana e ne ya re ka ngwaga wa 1980 a mo itseela go tlogela lefatshe le le ka kwano. Tiragalo e e ne ya tsisa kutlobotlhoko e kgolo mo Batswaneng bogolo jang Bangwato. Le fa go ne go le serame Bangwato, merafe ka go farologana le batho go tswa kwa mafatsheng a sele ga ba a ka ba ipona tsapa mme ba ralala mariga go tla go fitlha moeteledipele wa bone. Lorato le Bangwato ba neng ba na le lone mo go Seretse le ne la tswelela la jwelelela le mo baneng ba gagwe le Mohumagadi Ruth Khama yo a ileng a tlhokafala morago ka 2002. society 9 Megopolo ka nnotagi e farologanye Banni ba Molapowabojang mo kgaolong ya Borwa ba ntshitse megopolo e e farologaneng ka tiriso ya bojalwa le dinako tsa teng. Lekoko le le romilweng ke khuduthamaga ya palamente le ne le batla go itse gore go dirwe jang ka gore Batswana ba nwa bojalwa phetelela mo go sa tlwaelesegang mo go bakang ditlamorago tsedi botlhoko. Mme Didimalang Morethi o boletse fa bojalwa bo siame mme bo senngwa ke banwi ba bone, a re melao e gagamadiwe thata mo dibareng barekisi ba obamele dinako. O boletse fa banana ba tletse mo dibareng le mororo dingwaga tsa bone di le kwa tlase ga lesome le bofera bobedi, a re banana e setse e le dikoutla fela baa lwala ntateng ya nnotagi. Rre Ramontsho Kesiame o boletse fa dinako di dira gore batho ba nwe bojalwa thata, ka go bulwa bosigo sebaka sa nako e khutshwane. A re go botoka dinako di boela kwa go tsa bogologolo go nowa kwa dibareng go simolola ka nako ya lesome mo mosong go bo go tswalwa ka nako ya lesome kgotsa lesome le bobedi. Mme Madiome Kebaswele o boletse fa bojalwa bo kgoberile lefatshe, go tlolwa dinako, go nowa go kgweetswa, a tlatsa ka gore go botoka gore bojalwa bo emisiwe mo Botswana. O boletse fa bana ba dikole ba tlogela dikole ba inaakantse le bojalwa le diritibatsi, a re phelelong ba senyegelwa ke bokamoso. A re banana ba intshitse diganana. Mogolo mongwe o ne a bolela fa bojalwa bo sentse banana. A re bogologolo bo ne bo nowa ke bagolo fela eseng banana ba gompieno. A re ba ne ba bonwa sentle motshegare go sena go berekwa. O boletse fa tautona wa pele a ne a fetola dinako a leka go boloka banana ba ba nwang phetelela mo go felelang go ba tsenya bokoa, a re dinako di ne di siame fela thata. A re bojalwa jwa sekgoa bo tshwanetse jwa kganelwa, mme ja Setswana bo dirwe fela ka meletlo go sa rekisiwe. Mme Jemina Pole a re bojalwa bo seka jwa emisiwa mo Botswana. A re go tshwanetse ga lesiwa batho ba bo rekisa nako le nako ka gore barekisi ba jone ba itshetsa ka kgwebo eo. Bontsi bo ne bo bolela fa ipapatso ya bojalwa e le borai thata e tshwanetse go kganelwa, le gore fa o reka bojalwa bo seka ja bulwa. Ba rile fa barekisi ba galala dingwaga tsa motho ba kope Omang. Ba boletse fa beng ba madirelo ba tshwanetse go phepafatsa madirelo le tikologo ya one. Ba rile go nne le dithuto tse di tseneletseng gore bojalwa bo nowa ka dinako le kelelelo. Bontsi jwa baruti ba boletse fa bojalwa bo le borai mme bo tshwanetse jwa emisiwa le jo bo tswang kwa mafatsheng aa mabapi tota. Ba kgadile boupi jwa Chibuku Power ba kaya fa bo le borai mo matshelong a batho. Bokhutlo society 9 Kaenatjito ga a ipone tsapa Mme Pudulogo Kaenatjito wa dingwaga tse di masome a mane le bobedi o supile fa e le senatla se se sa ineeleng, ka o tsweletse ka go ntsha merogo e e duleng diatla le ntswa tshingwana ya gagwe ele mo lefelong le le matlapa. Mo potsolotsong bosheng, Mme Kaenatjito o tlhalositse fa go lema mo matlapeng e le kgwetlho e tona mme fela fa motho a ititeile sehuba o ka kgona go jesa ba lelwapa le go rekisetsa morafe ka kakaretso. A re matlapa a a tletseng lelwapa lotlhe ga a mo kgoba marapo go ikopela dithuso tsa tshingwana ya merogo. O kaile fa kgwetlho e tona ya go lema mo matlapeng ele gore ga kgone go jwala dingwe tse a eletsang go di lema jaaka ditapole le tse dingwe tse di tsalelang kwa tlase ga mmu. Go lwantshana le matlapa ao, Mme Kaenatjito a re o dirisa kiriba e ae abetsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go tabola mmu oo nonneng ka fa tlase ga ditlhare mme ao dirise go nontsha dijalo tsa gagwe. Go nontshetsa mmu o pele Mme Kaenatjito o tlhalositse fa gape a dirisa manyoro a a dirwang ke dikoko. Se, o boletse se thusa fela thata ka matlapa a fokotsega mo tshingwaneng mme dijalo di kgone go bona phatlha. O tlhalositse fa a itumeletse tshingwana e fela thata ka jaana a kgona go rekisa merogo e mo motseng wa Pilane a bo a jesa ba lelwapa la gagwe. O supile fa tshingwana e e tsisitse pharologanyo mo botshelong jwa gagwe jwa pele le jwa gompieno. A re ka nako ya a sena tshingwana o ne a ikantse fela madi a boithaopo mme a ne a sa mo thuse mo go kalo ka ane a tlhaelela kgakala. Mo bogompienong, Mme Kaenatjito a re fa a na le mathata o tsena mo tshingwaneng mme a ithuse ka morogo oo godileng le ditamati, a di rekise. O tlhalositse fa madi ao a mo thusa go reka motlakase le dipeo tse disha gore a boe a leme gape. Mme Kaenatjito o boletse fa a berekile ka masetla gore tshingwana e tswelele ka jaana a na le kgwetlho ya metsi mme a supa fa molatswana o fetang gaufi o mo thusa ka metsi ka jaana a kgona go paka metsi a teng mme a dirise go nosa. Nngwe ya dikgwetlho tsa gagwe ke dikhukhwane tse di tshwenyang merogo ya gagwe. A re dikhukhwane tse di tshwenya thata morogo wa ‘rape’, a tlatsa ka go supa fa merogo e mengwe yone e sa tshabelelwe ke diji thata. Le fa go ntse jalo, a re o ne a lekodisa ba temo-thuo gore ba mo thuse go lwantsha khukhwane eo, gore temo ya gagwe e ntshe maduo e bile e golele pele. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Batsadi ba tsibogela letlhoko la metsi Batsadi ba bana ba ba tsenang kwa sekoleng se sebotlana sa Andrew Wellio kwa Maun, ba tsibogetse seemo se se bifelang pele sa letlhoko la metsi mo sekoleng seo. E ne ya re mo phuthegong ya tshoganyetso e e neng e biditswe ke boeteledipele jwa sekole, botsadi jwa itlama gore le ntswa go le thata go bona metsi, ba tlaa ikitaya ka thupana gore ngwana mongwe le mongwe a ye sekoleng ka thothinyana mo lebotleleng e e tlaa dirisiwang go apeela bana fa go ntse go letilwe Water Utilities go thusa ka metsi. Ba re go dira jalo e tlaa bo e le maiteko a a feletseng go na le go emisa dithuto tsa bana ka ntata ya letlhoko la metsi. Letlhoko leo, le le apereng sekole seo le kgoreletsa dithuto tsa bana ka e bile go sena le fa e le thothi ya go ba apeela dijo tsa bone tsa motshegare. Letlhoko le, le amile thata baithuti ba sekole seo, e bile ba dirisa sekgwa go ya go araba tlholego. E ne ya re fa a ema botsadi pele ka lefoko, mogokgo wa sekole, Rre Ditshotlo Gaolebale a tlhalosa fa ba lekile ka bojotlhe go dira maiteko a go kopa metsi mo maphateng ka go farologana a tshwana le la thuto, khansele le Water Utilities. Le fa go ntse jalo, a re Water Utilities e tlhalositse fa e aperwe ke letlhoko la dikoloi tse di tshelang metsi. O tsweletse a tlhalosa fa selelo sa khamphani eo, e le didiba tse di kategetseng fa tse dingwe di tlhoka gore di baakanngwe. A re ba solofeditse sekole fa seemo se tlaa boela mannong kgwedi ya Hirikgong ngwaga o o tlang. Le fa go ntse jalo, a re khamphani eo e tlhalositse fa e tlaa nna e tshela metsi le fa e lebilwe ke motse wa Maun le e e mabapi go thusa ka metsi. A re lephata la thuto le tlhalosa fa sekole se tshwanetse go thusiwa ke khansele. Rre Gaolebale o tsweletse a tlhalosa fa seemo se se ama botsogo le pabalesego ya bana ka ba felela ba ile sekgweng go ya go itiketsa morago ba boele dithutong ba sa tlhapa diatla. A re sekole se na le dibeke di le nne se ntse se aperwe ke seemo se ka sekole se sena matlwana a boitiketso a mafuti. Mme ka jalo ba khansele ba ne ba tsibogela selelo sa bone ka go ba adimela matlwana a boitiketso a nakwana a a lopang dipula di le makgolo a mane le botlhano ntlwana mo bekeng. E rile a ba ema ka lefoko, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Rre Abraham Motsewakhumo, a tlhalosa fa a sa tshwae puso phoso, mme a re bodiredi jwa kompone ya Water Utilities ke jone jo bo maoto a tshupa ntswa seemo se bifela pele. A re seemo sa metsi se simolotse go tlhobaetsa ngogola mme ba itshela meriti e e tsididi ntswa ba itse fa go na le didiba tse di seng mo tirisong tse di ka ba namolang fa mpuru a haretswe. O gakolotse batsadi gore ba seka ba dira seipato sa go tlogedisa bana sekole ka ntata ya letlhoko la metsi. A re go tswa goo lowe, ka metlha ya fa ba tsena dikole, ngwana mongwe le mongwe o ne a ya sekoleng ka legong letsatsi le letsatsi gore ba apeelwe. Ka ntlha e nngwe, batsadi le bone ba kgadile ba sa kgwe mathe kompone ya Water Utilities ba re ga e a palelwa ka jalo e ithole ditiro. Ba re fa kompone eo e ne e tlhwaafetse, e kabo e ne ya dira maiteko a go isa metsi kwa setshabeng ka nako. Ba kopile gape gore makhanselara a kgaolo le bone ba maphata a a amegang ba ntse ba tsena diphuthego tsa mothale o, go tla go utlwa dilelo tsa batsadi. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa a leboga Mme Aitseweemang Nkemelang, motsadi yo o ithaopileng go direla sekole ka fa tlase ga bogakolodi, a akgolela batsadi maiteko a bone a go tshologela pitso e. society 9 Kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Mmusi, Mme Seabi Moreti, o kopile batsadi go ema barutabana nokeng. E rile a bua mo bokopanong jwa batsadi ba bana ba ba simololang sekolo, mogokgo a tlhalosetsa batsadi gore sekole sa bone ke lantlha se amogela bana ba bannye thata (reception), mme o ne a kopa batsadi go bereka le barutabana a kaya fa kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. O tlhalositse fa kwa ntle ga kemo nokeng ya bone ba ka se kgone ba le nosi a tlatsa ka gore ba eletsa go bona batsadi ba eme ka dinao mo dithutong tsa bana ba bone. “Lenaneo le, le siame ka ga se motsadi mongwe le mongwe yo o neng a kgona go isa ngwana wa gagwe mo dikoleng tse di duelwang, jaanong a re le eme nokeng”,g a tlhalosa jalo Mme Moreti. Godimo ga moo, o ne a supa fa batsadi bangwe ba ikgatholosa kopo ya go ya go bona tiro ya bana kwa sekolong. Mogokgo Moreti one gape a gakolola batsadi gore ba godise bana sentle le ka lerato a supa fa ngwana e le motho yo o ratang go kopa sengwe le sengwe mme o ne a rotloetsa batsadi gore dinako tsotlhe ba netefatse gore ga ba dire sepe fa pele ga bone se se ka ba itayang tsebe. O ne a supa ngongorego ka palo ya batsadi ba ba neng ba tsile bokopanong joo, a supa fa bana ba mophato oo ba le masome a marataro mme go iponaditse batsadi ba se kae fela,. Fa a tswa la gagwe. mothusa mogokgo, Mme Felicia Moahi, o ne a kopa batsadi go duela P30 yo o lopiwang ngwaga le ngwaga go tswa mo baithuting botlhe. A re madi ao, ba a dumalane le batsadi gore a duelwe fa ngwana a tsile go kwadisiwa gore a kgone go thusa mo ditirong dingwe tsa sekole fa ba santse ba emetse thuso e e tswang khanseleng. Mme Moahi o ne a tlhalosetsa batsadi gore madi ao, ba a dirisa mo ditirong tse dingwe mo sekoleng a a fa sekai ka pompo fa e senyegile a re ba kgona go batla mongwe go e baakanya ka bonako. education 4 Monana o gatetse pele Gangwe le gape lephata la banana le tshwenyega ka gore banana ga ba tsee mananeo ka bontsi. Le fa go ntse jalo banana bangwe ba gatetse pele e bile ba ititeile sehuba gore ba tlaa itshetsa ka se puso e se ba diretseng. Tlhalefang Lesolame (31) wa Sefhare ke mongwe wa banana ba ba neng ba reetsa pitso ya lephata la banana ya gore ba tsee mananeo ba itshetse. Fa a bua mo potsolosong ka sefatlhego se se tletseng monyenyo, Lesolame o ne a bolela fa e ne ya re a akanya go bula kgwebo e e tlaa mo tshetsang, a itlama go tla ka mogopolo o o sa tshwaneng le wa ba bangwe wa kgwebo mme a tla ka mogopolo wa go bula kgwebo ya sekole sa ithutelo go kgweetsa. A re kgwebo ya gagwe o e simolotse ka 2011 mme ka nako eo a ne a ruta ka kolotsana e a neng a na le yone ka nako eo. A re ka a ne a direla kwa moepong wa BCL, o ne a tshwanelwa ke go dirisa madi a gagwe a kgwedi le kgwedi go tsamaisa kgwebo. A re o ne a felela a tlogela tiro kwa BCL mme a ya go iteka lesego kwa lephateng la banana go kopa dithuso tsa madi ka a ne a na le kgatlhego e ntsi ya go tlhokomela kgwebo. A re ka 2014 o ne a atlega mme a fiwa P97 217. A re mo mading ao o ne a kgona go reka koloi e a e dirisang mo nakong eno le tse di tlhokafalang tse di amanang le tsa go ithuta go kgweetsa. A re ntswa a ne a dule ka mogopolo wa kgwebo ya sekole sa ithutelo go kgweetsa o ne a sa tlhomamise gore a o tlaa atlega. A re kwa diofising tsa lephata la banana ba ne ba mo thusa mme pele ba ne ba sa wele sentle gore mogopolo wa gagwe ke mongwe wa megopolo ya dikgwebo tse di ka tshetsang banana. Mme Tlhalefang a re ntswa a na le dikgwetlho di le mokawana mo kgwebong, o itumelela gore ke ene monana a le esi yo a nang le kgwebo eo mo Sefhare. Ka jalo seo se mmaya mo seemong sa gore abo a tsenya letseno le le botoka go ka tokafatsa kgwebo. A re bontsi jwa ba ba tsenang sekole sa gagwe ke badirelapuso ba Sefhare le ba metse e e mabapi. A re mo nakong eno dikgwetlho tse a kopanang le tsone ke gore o na le koloi e le nngwe ntswa baithuti bone ba le bantsi. A re se se mo kgoreletsa mo go direng tse dingwe tse di amang tiro tse gantsi a di dirang kwa Mahalapye. A re kgwetlho e nngwe ke gore koloi e eta e senyega. O ne a fa banana kgakololo ya gore fa ba batla go tswelela mo botshelong ba seka ba tsena mo dikgwebong tse bagwebi ba bangwe ba setseng ba le mo go tsone mme ba leke go tla ka megopolo e mesha. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Badirelapuso ba kopilwe go tsholetsa kgaolo Molaodi wa kgaolo-potlana ya Tutume, Mme Utlwanang Kerekang a re e le maphata a a okametsweng ke ofisi ya ga Tautona, puso e lebile go le gontsi mo go bone go rekisa mananeo a yone. Mme Kerekang o buile jalo mo bokopanong jwa badirelapuso ba maphata ao kwa Tutume bosheng. O kopile gore ba dire ba le seopo sengwe go bona gore ba tsholetsa kgaolo eo le batho ba teng. A re motho ga a a tshwanela go dira ka go salwa morago, ka jalo mongwe le mongwe o tshwanetse a nne le maitlamo a go ntsha maduo fa a leng teng. Mme Kerekang a re badiredi ba puso ba ititeile sehuba go neela setshaba bodiredi jwa tlhwatlhwa, ka go sala morago melawana e e lesome e mmuso o e ba beileng pele. O ne a tlatsa ka go re nngwe ya ditsetlana tseo tse di lesome ke go tlotla botlhe ba re ba direlang ka dinako tsotlhe le go tsaya dingongorego jaaka seipone mo go tse re di dirang go tokafatsa maduo. Gape o ne a kopa badiri bao go nna ba bala melawana ya tsa phiro jaaka Public Service Act le General Orders. A re di ka ba supegetsa gore ba setse tsamaiso morago. A re gape ba tshwanetse go thusana le puso ntwa kgatlhanong le tshenyetso setshaba. Mme Kerekang o ne a kopa badiri bao go tlogela mokgwa wa go tsena morago ga nako le go ngwega mo tirong. Fa a tswa la gagwe, mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Tutume, Rre Kabelo Tshekiso o ne a gatelela ka botlhokwa jwa bokopano joo. Rre Tshekiso a re bokopano bo ba fa sebaka sa go kopanela dikgwetlho e le maphata ka go farologana, mme kwa bofelong ba tle ka ditharabololo tsa tsone. A re ba santse ba na le kgwetlho ya go tlhoka go tsisa dikgang tse di ka kopanelwang ke maphata kwa diphuthegong. A re moono ke gore ba dire ba le ngatana le go kopanela dikgwetlho go leka go tsholetsa kgaolo le go isa ditirelo kwa bathong ka nako. religion_and_belief 8 Terena e fapogile mo seporong kwa Dibete Baeteledipele ba Botswana Railways ba tsere tshwetso ya go emisa mesepele ya diterena go tloga ka Mosupologo go fitlhelela Labobedi (Mopitlo 17). Se se tla jaana morago ga gore tlhogo ya terena ya dithoto le letoroko le le lengwe di fapoge mo seporong kwa Dibete. Moanamisa mafoko wa Botswana Railways, Rre Sakaeyo Baitshepi, o boletse mo potsolotsong fa kotsi e diragetse makuku pele ga nako ya bongwe ka Mosupologo. Rre Baitshepi a re terena e, e ne e tswa Francistown, mme e ne e sa rwala dithoto dipe fa kotsi e diragala. A re kotsi e bakilwe ke gore makgaogano a seporo fa diterena di fapaanang teng a ne a sa tswala sentle fa terena e tla go feta fa go one. “Go lebega e rile fa e tsena fale, e bo e fitlhela makgaogano a seporo sa tswala gotlhelele. Go raya gore maotwana a a kwa pele a bo a tsaya mola o mongwe, a a kwa morago le one a bo a tsaya mola o sele,” ga tlhalosa Rre Baitshepi. A re kotsi ga e a baka tshenyo epe e e kalo. O tlhalositse fa se se senyegileng e le seporo, ‘mme le sone ga re bone se senyegile mo go kalo, go thubegile moalo gongwe sekgele sa dimethara di ka nna masome a supa le botlhano.’ A re ka gore babereki ba Botswana Railways ba ne ba lala ba baakanya seporo bosigo jotlhe jwa Mosupologo, gongwe mesepele ya diterena e tlaa bulelwa ka bonako tiro e sena go wela. disaster_accident_and_emergency_incident 2 VDC ya Mambo ya ikgaratlhela E re ka jaana gotwe mokodue go thuisiwa yo o itsosang, mo maitekong a go leka go ipelega, komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mambo mo kgaolong ya Bokone Botlha ba ne ba rulaganya mogwanto wa dikhilomethara tse supa, e le mosepele o o duelelwang gotswa Makaleng go ya Mambo. Motshwaramadi a komiti eo, Mme Moshibi Mbuso o ne a tlhalosa fa maikaelelo a mosepele oo, o neng o tshwerwe kgwedi eno e le masome a mabedi le borobabobedi, e ne e le go kokoanya madi a a tla dirisiwang mo go tlhabololeng matlo a VDC a motse oo. Mme Mbuso a re matlo a bone a VCD a mo seemong se se sa itumediseng ebile a setse a fetoga matlotla ka jaana go sena ope bogolo jang badirelapuso, yo o nang le keletso ya go nna mo go one. A re maikaelelo a bone ke go tlhabolola matlo ao, a gokelwa motlakase le metsi gore a nne mo seemong se se ka itumedisang badirelapuso ba ba direlang mo motseng wa bone. Fa a bua kwa bokhutlong jwa mosepele oo, Mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, Rre Biggie Butale yo neng e le ene motsamai yo mogolo wa mogwanto oo, o ne a rulela hutshe VDC ya Mambo ka mowa o ba o supileng wa go leka go ipelega. A re e re ka jaana diVDC di le botlhokwa thata ka e le tsone motheo wa ditogamaano tsa ditlhabololo tsa metse, ka jalo ba VDC ya Mambo ba rurifaditse seo e bile se ba se dirileng se supile fa fa ba na le ponelopele e e ka thusang motse wa bone go gatela pele mo ditlhabololong. Rre Butale o ne a ba gwetlha go tshegetsa mowa oo, wa go leka go tlhabolola motse wa bone mme o ne a ntshetsa VDC eo madi a a kanang ka P 2 000, mme madi a a neng a tswa mo dipampiring tse di neng filwe bangwe go di tsamaisa go kopa dithebenyana, gone go ne ga bonwa madi a a kanang ka P1 850 mme mo godimo ga moo, kgosi Obuile Mambo wa motse wa Mambo le mokhanselara wa kgaolwana ya Gulubane, Rre Dikitso Mandevu ba ne ba ntsha P500 mongwe le mongwe wa bone. Mokhanselara Mandevu a re go a itumedisa go bona mowa wa boipelego o santse o tshela mo motseng wa Mambo, a re mo botshelong batho ba tshwanetse ba ipotsa potso ya gore ba tla direla eng motse wa bone gammogo le lefatshe la bone ka bophara, go na le go lebelela fela mo pusong. A re go tlhabolola matlo ao, go mosola ka jaana go tla thusa badirelapuso ka boroko jo bo siameng mme seo se dire gore ba ntshe maduo a a nametsang mo tirong ya bone. E ne e rile a amogela baeng mo kgotleng ya gagwe, Kgosi Mambo a rotloetsa mowa wa therisanyo le tshwaragano magareng ga banni ba motse wa Mambo, a re ke tsone tse di ka ba thusang go fitlhelela kwa maikemisetsong le ditoro tse ba eletsang di diragala mo motseng wa bone. politics 7 Maeze o itlama go nyadisa bagodi ba Seronga Moemela kgosi kwa Seronga, Kgosi Maeze Maeze o kgadile mowa wa bagodi ba ba nnang mmogo lebaka le le leele ba sa nyalana ka a re go isa seriti sa bone ga mmogo le bana ba bone kwa tlase, bogolo jang fa go tla mo mererong ya tsa manyalo. E rile a bua mo potsolotsong, a bolela fa maikaelelo a gagwe e le go thusa bagodi botlhe ba kgaolo ya gagwe ba ba sa nyalanang ka ntata ya go tlhoka madi a go dira mekete ka go ba rekela dijo tsa mokete. Kgosi Maeze a re o santse a dira thulaganyo le ba ba amegang mme fa e ka wela o tla a kopanya botlhe mo kgotleng go bo go dirwa mokete o motona go leka go rarabolola bothata jwa go tlhoka go nyalana ga batsadi ka jaana bangwe ba tsaya gore lenyalo ke dijo ntswa go sa nna jalo. O akgoletse banana ba metse ya Seronga, Beetsha, Gudigwa, Gunotsoga le Mogotlho go bo ba nyalane ka dipalo tse di botoka monongwaga fa go tshwantshanngwa le dingwaga tse di fetileng. A re go tloga ka Mopitlo go fitlha ka Lwetse a tlhola malatsi a le lesome le botlhano, go nyalane batho ba le masome a mabedi le bobedi fa mo dingwageng tse di fetileng ba ne ba le kwa tlase ga lesome. O rotloeditse banana ba bangwe go tsaya malebela mo balekaneng ba bone go leka go iphaposa mo diphatseng di akaretsa go tsenwa ke bolwetse jwa HIV/ AIDS le dipolaano tsa baratani. Mo go tse dingwe, Kgosi Maeze o kgothaditse banni ba kgaolo ya gagwe go dirisa dipula tsa ntlha go lema gore ba kgone go bona thobo e e nametsang. A re banni ga ba a tshwanela go kgobiwa marapo ke ditlou tse di ba senyetsang ngwaga le ngwaga ka go ja dijwalo tsa bone mo masimong ka jaana temo e le yone isago ya bone. O tsweletse a re batho ga ba a tshwanela go ikaega ka thulaganyo ya Ipelegeng fela ka ele ya nakwana mme ba ka ikaega ka temo-thuo. O ba gakolotse gore ba seka ba phuaganya masimo morago ga temo mme a ba kopa gore ba a lete go kganela diji tse di ka ba senyetsang. Bokhutlo society 9 Bomathinthinyane ba dira boithatelo E re ka monongwaga go tlhalositswe fa e le o motonanyana ka ntlha ya dipula tse di boutsana le letsatsi le le neng le tserema jaaka senyetse, bontsi jwa balemi ba ne ba kgobega marapo go baya ditema. Le fa go ntse jalo, Rre Bagani Makwati, molemi mo kgaolong ya Botlhapatlou, ga a ka a ipona tsapa ka gotwe boleme ga bo nke bo tlhobogwa. O beile ditema di le nne a kabakantse dijwalo ka go farologana. Sebe sa phiri ke gore, fa Rre Makwati a tshwanetse go ja mofufutso wa phatla ya gagwe, go gorogile baeng ba ba maoto mane ba jaanong e leng bone ba robang fa ba sa jwalang teng. Phologolo e, e ka nna borai mo matshelong a batho ka e kgona go lwantsha motho e bo e bake dikgobalo kgotsa le lone leso tota. Rre Makwati a re o beile ditema tsa ntlha ka kgwedi ya Sedimonthole e le fa gare mme dijwalo tseo tsa babalelwa thata ke letsatsi. A re dipula tse di neleng morago tsa kgwedi e e fetileng di ne tsa dira gore dijwalo tsa ditema tsa morago di thanye. A re erile fela dijwalo di sena go thanya, ke fa diphologolo tse di simolola go mo tshwenya mo tshimong. Molemi yo, o bolela fa bomathinthinyane ba a ja mmidi le magapu thata ka magapu a le motlhofo go phunyega go na le dithotse tse dingwe jaaka marotse le maphutshe tse le tsone a di lemileng. A re diphologolo tse di phunya matlhaku di bo di tlhagela mo tshimong, fa go nang le terata teng, ba epa terata ko tlase ba bo ba tsena. O tsweletse ka go tlhalosa gore, bomathinthinyane ba go utlwala fa ba nna ko kgaolong e e bidiwang Marobamabedi. A re gone koo, go na le matshwago mo mantsweng mme ke gone kwa ba nnang teng a tlatsa ka gore go utlwala gape gore fa ba tswa koo ba feta ba nna gape kwa Moshawaneng. A re ba bolola koo bosigo mme ba fete ba tsene mo tshimong ya gagwe. Diphologolo di kaiwa di le botlhale thata ka di tla bosigo gare kgotsa ka makaku a naka tsa kgomo mme ga di kake tsa tswelwa ke letsatsi mo tshimong. Rre Makwati a re go belaesega fa leuba e le lone le dirang gore diphologolo tse di senke dijo mo masimong. Se se botlhoko ke gore Rre Makwati a re ke lantlha a tshwenngwa ke diphologolo tse e bile di senyetsa ene fela mo kgaolong ya bone. A re borai jwa tsone ke gore fa di tla, di tla di le segopa mme e bile fa di tlhaselwa ke dintsa di lwa e e matlho mahibidu. Methale e Rre Makwati a lekileng go e dirisa go tshosetsa bomathinthinyane yotlhe e iteile sefololetse. A re o lekile go gotsa melelo mo tshimong le go ba lalela ka tlhobolo le balemi ba bangwe mme ba itswela fela ka ba tsena fela go ntse go gotsitswe molelo. Rre Makwati yo jaanong a tletseng boitlhobogo a re fa a ne a ka kgona go koba diphologolo tse gongwe o ne a ka kgona go bona dikgetsi tse thataro go ya go tse supa tsa mmidi o o setseng. A re magapu o ne o kgonne go rekisa merwalo e mebedi fela. E re le fa ntswa a dirile maiteko a go ikuela ko go ba lephata la diphologolo, ga go nko epe e e tlaa tswang lemina ka ba tlhalositse fa puso e ka seke e mo duele ditshenyegelo tse di bakilweng ke diphologolo tseo fa e se fela fa a ka di hula ka tlhobolo fa di setse di le mo tshimong. Ba lephata leo ba tlhalositse gape gore dikatso di nna teng fela fa go sentse diphologolo tse ditona jaaka ditau, ditlou le tse dingwe. BOKHUTLO society 9 Kamuso ka lebele e botlhokwa Bomme ba McCathy’ Rust ba kgothaditswe go amusa bana lebele ka e le tsone dijo tse di siametseng kgolo. Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi leo, moeteledipele wa Kgalagadi South District Health Management Team (DHMT), Mme Tootini Mackenzie o tlhalositse fa mafatshe a seegetse kwa thoko letsatsi la kamusu ka lebele ngwaga le ngwaga beke ya ntlha ya Phatwe go tsibosa le go lemotsha setshaba ka botlhokwa jwa kamuso ka lebele. O ne a tlhalosa fa mo Kgalagadi Borwa kgothatso eo e simologile kgwedi eno e rogwa go fitlha e supa. A re batsadi ba ngwana ba tshwanetse go tshwaraganela ngwana go tlhomamisa gore o amusiwa lebele go simolola fela a tsholwa go fitlhelela go ya dingwageng tse pedi. Mme Mackenzie a re mashi a lebele a siametse ngwana ka a na le dikotla tse di lekanetseng, ka jalo mo dikgweding tse thataro ngwana o tshwanetse go amusiwa mashi a lebele fela a sa jesiwe dijo dipe. O boletse fa ngwana mo gongwe a ka seke a kgone go amusiwa go lebeletswe botsogo jwa ngwana kana mmangwana go ya ka ditaelo tsa ba bongaka. O ne a supa fa mashi a lebele a sireletsa mo malwetseng le gore ngwana yo o amusiwang mashi a lebele o gola a itekanetse sentle go na le yo o sa amusiweng mashi a lebele. O boletse fa puso e tseela kwa godimo kamuso ka lebele, ke sone se bomme ba ba berekang ba neelwang nako ya go ya go amusa ka nako ya tiro. Mongwe wa baruthuntshi, Rre Jori o ne a gwetlha borre go ema bomme nokeng ka go ba fa lorato ka nako ya fa ba amusa. A re mashi a lebele a tswa sentle fa mme a itumetse a sa utlwisiwa ke sepe botlhoko. Rre Jori o ne gatelela botlhokwa jwa mashi a lebele ka a dirilwe ke Modimo a na le dikotla. E re ka jaana ba DHMT ba ne ba boloditse letsholo go ya kwa Mc Cathy” Rust yo o dikhilomethara di ka nna masome a mabedi le botlhano go tswa mo Tsabong, dithuto ka mananeo a botsogo e ne e le matsorotsoro di akaretsa tsa lenaneo la thibelo mogare go tswa mo go mmagwana go ya kwa leseeng le le iseng le belegwe, thibelo boimana, tiriso ya khondomo ya bomme ka e dirisiwa ka boutsana, go rutwa ka dijo tse di siametseng botsogo jwa ngwana, kgotlholo e tona, go rutwa ka tlhokomelo ya legano le tse dingwe. Ngaka ya dijo go tswa mo kokelong ya Tsabong, Rre Moseja Dibotelo fa a leboga o ne a supa fa maikaelelo a DMHT e le go etela metse e e mo kgaolong eo go ba ruthuntsha, go ba tsisetsa ditlamelo le ditirelo tse di tlhokafalang. O ne a galaletsa banni ba Mc Cathy’s Rust o o nang le batho ba feta makgolo a supa, go bo ba tsibogetse letsatsi leo ka bontsi. health 6 Beng-gae ba gakatsa mathata Tona wa Itshireletso, Molao le Thokgamo, Rre Shaw Kgathi, a re e re le ntswa go na le matshwenyego a a diragalelang banni ba metse e e bapileng le molelwane, bontsi jwa one a gakadiwa ke banni ka sebele. Fa a bua mo phuthegong e e neng e tshwaretswe kwa Moroka ka Labotlhano (Motsheganong 29), Rre Kgathi a re Batswana bangwe ke bone ba neelang batswakwa boroko, kana ba ba hirisetsa matlo ga mmogo le go ba neela ditiro. A re mo mabakeng a mangwe, Batswana ba reka dithoto tse di sa letlelelweng tse batswakwa ba tsenang mo lefatsheng leno ka tsone ntswa ba itse fa ba sa tsena mo lefatsheng leno ka fa molaong. Tona Kgathi a re puso e boloditse lekoko la matona a puso a le matlhano, mme ene o patilwe ke Tona wa tsa Temo-Thuo Rre Patrick Ralotsia le Tona wa Ditsha le Matlo Rre Prince Maele go lekola boleng ja molelwane wa Botswana le go utlwa matshwenyego le go kopa megopolo go bona gore seemo se se ba lebaneng se ka rarabololwa jang. O ne a ikuela mo banning ba motse wa Moroka le metse e mengwe e e mabapi, ba ba neng ba tsene phuthego gore ba tswe ka tharabololo ya matshwenyego a, ka puso yone e setse e dirile maiteko a yone ka go isa mapodisi, masole ga mmogo le ba taolo malwetse le matlhoko a leruo go baya leitlho molelwane. Tona Rre Ralotsia ene a re sa ntlha, banni ba ba gaufi le molelwane mo Botswana ba tshwanetse ba tlhaloganya fa kwa lefatsheng la Zimbabwe gaufi le molelwane wa Botswana, go supilwe fa e le kgaolo e e borai e e nang le bolwetse ja tlhako le molomo. A re ka ntlha ya seo, go tshwanetse ga dirwa maiteko otlhe go leka go hema gore bolwetse bo tlolele mo lefatsheng leno. Rre Ralotsia o ne a supa fa go tlhokega gore banni ba fetole ka fa ba lebang ka teng kgang ya go tshela mmogo le batswakwa ba ba tseneng mo lefatsheng leno e se ka fa molaong. A re go supagetse fa terata ya molelwane e kgaolwa ke batho e seng leruo, mme e re morago diruiwa di felele di tlolela ka kwa Zimbabwe. O ne a itela mo go bone gore ba tlhokomele leruo la bone le go itse gore le kae ka dinako tsotlhe mme o ne gape a ba gakolola fa dijalo le maungo mangwe a na le bolwetse, ka jalo a ilediwa go tlodisediwa mo lefatsheng la Botswana. Modulasetilo wa komiti ya balemi barui kwa Matsiloje, Rre Simon Lephato a re maiteko a ba a dirileng go lwantsha seemo sa borukuthi ja molelwane e nnile go tlhoma komiti e e akaretsang borara ja motse, badirelapuso le boemedi go tsweng kwa Zimbabwe le banni ba motse, maikaelelo e le go tla ka megopolo go ka laola seemo. A re komiti ya bone e e kopana kgwedi le kgwedi mme ba ise pego kwa kgosing ya motse wa bone. Rre Samson Dubani, wa motse wa Mbalambi o ne a kopa gore go agiwe kampa ya sepodise sa SSG mo motseng wa bone ka mabaka a gore kampa tse go ka tweng di gaufi ke tse di kwa metseng ya Goshwe le Zwenshambe. A re go sekgala se seleele se se bakang tiego le fa ba ka begelwa ditiragalo mme ba fitlhele fa gongwe badira-molato ba setse ba iphaloditse. Rre Dubani, yo o supileng fa matshwenyego a matona e le leruo la bone le le tlolelang kwa Zimbabwe, o ne a kopa gore bogolo puso e dire kwarantine e go ka tshegediwang leruo teng fa le ne le tloletse ka kwa lefatsheng le le mabapi. A re se se ka dirwang ke gore fa leruo le beilwe foo, le bo le ka sekasekwa go tlhola gore a le amilwe ke bolwetse ja tlhako le molomo, mme fa go lemotshega fa le siame le busediwe beng ba lone go na le gore seruiwa sengwe le sengwe se se tlodileng molelwane se bolawe. health 6 Monna o atlholetswe dithupa Lekgotla la ditsheko la Setswana la motse wa Tati Siding mo kgaolong ya Bokone Botlhaba le sa tswa go atlholela monna mongwe wa motse oo dithupa tse tlhano mo maragong ka molato wa bogodu. Rre Bingo Otukile wa dingwaga tse di masome a mane o ne a pegiwa dithupa tseo morago ga go bonwa molato wa go utswa dipara tse pedi tsa ditlhako tsa itshireletso tsa lephata la ditsela la khansele ya Bokone Botlhaba. Go bolelwa fa mosekisiwa a ne a bereka mo lephateng leo la ditsela e le modiri wa nakwana mme ditlhako di ne di le ka fa tlase ga tlhokomelo ya gagwe, ka jalo a di utswa mme a di rekisetsa bangwe mo motseng oo. Morago ga go lemoga fa ditlhako tseo di seo, bagolwane ba lephata ba ne ba begela mapodise ka tiragalo eo mme mo ditlhotlhomisong tsa bone, Rre Otukile a tlhalosa fa e le ene a di tsereng mme a ba kaetsa kwa a di rekisitseng teng. Rre Otukile o ne a ipona molato mo tirong e a e dirileng, ka jalo a kopa lekgotla go mo utlwela botlhoko ka a tlhokomela mosadi wa gagwe le ngwana wa gagwe yo mo nakong eno a leng motsetsi. Fa a ntsha katlholo, Kgosi Nkgageng o ne a bolela fa molato o o dirilweng ke mosekisiwa o ka mo romela dingwaga tse tlhano mo kgolegelong, a re fela o tsere tsia boikuelo jwa gagwe le gore ke lantlha a dira molato wa go tshwana le oo. Kgosi Nkgageng o ne a kgala mokgwa wa batho wa go utswa bogolo jang fa ba direlang teng, a re ba tshwanetse ba itse fa go na le ditlamorago tse di sa siamang, tse di akaretsang le gone go latlhegelwa ke tiro. Ditlhako tseo, di ne tsa tsisiwa fa pele ga lekgotla e le bosupi mme lekgotla la laola gore di busediwe khansele. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 ESP e simolodisitswe semmuso E rile ka Matlhatso, Tautona Lt Gen.Dr Seretse Khama Ian Khama a simolodisa semmuso lenaneo la go rudisa itsholelo la Economic Stimulus Programme (ESP). Tiro ya go simolodisa lenaneo la ESP e ne e tshwaretswe kwa Machaneng mo kgaolong ya Sefhare/ Ramokgonami Lenaneo la ESP le tlaa ama dikgaolo tsotlhe tsa lefatshe leno mme le tlaa itebaganya le tse di farologaneng jaaka mhama wa temo-thuo, bojanala, kabakanyo itsholelo, tsa dikago le tsa madirelo. Go tlaa agiwa dikago tsa puso di akaretsa matlo a borutelo, matlo a badirelapuso, go tlhabololwa dikago tsa botsogo, ditsela le go tsenya ditlamelo kwa ditsheng. Fa a bua kwa tshimolodisong ya lenaneo le, mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami, Mme Dorcas Makgato, o ne a bolela fa e le ditso tse ditona go bo tshimolodiso ya lenaneo la ESP e ntse mo kgaolong ya gagwe. A re go bo badirelapuso ba agelwa matlo a le 25 mo kgaolong ya gagwe ga se matshamekwane ka jalo banni ba tshwanetse ba opele lenaneo leo legofi. O ne a atla lenaneo la ESP a bolela fa le tsile ka nako e e siameng. Mo potsolosong, Mme Makgato o ne a re mo kgaolong ya gagwe go tlaa nna le ditlhabololo di le mokawana mme di tlaa thusa banni ba le bantsi go bona ditiro. O tlhalositse gore mo kgaolong ya Sefhare/ Ramokgonami, kago ya matlo mangwe a badirelapuso e setse e simolotse mme dikhamphani tsa bana ba Batswana di setse di simolotse dikago tseo. Mme Mokgato, yo gape e leng tona wa Botsogo, a re se, se supa fa puso e dira maitlamo a yone a lenaneo la ESP. A re go tlaa nna le kago ya matlo a le masome a mararo le botlhano a SHHA a lenaneo la turnkey mo metseng ka go farologana mo kgaolong ya gagwe a bolela fa gape go tlaa tsenngwa ditlamelo di tshwana le tsa metsi le ditsela mo sebakeng sa ntlha sa ESP. Mo go tse dingwe, a re ditsela tse di tlaa dirwang ke ya Dibete-Mookane-Machaneng ya sekgele sa 132km le ya Radisele-Pilikwe ya sekgwele sa 21 km. Mokwaledi mo lephateng la thuto le tlhabololo dikitso, Rre Richard Matlhare, o ne a bolela mo potsolosong gore mo dikoleng tse dikgolwane go na le barutabana ba le 26 000 mme ba tlhokana le matlo a feta 5 000. A re puso e ne ya sekaseka gore go ka dirwa jang mme ya bona lenaneo la ESP e le lone le le lebaneng gore le direle Batswana ditiro e bile gape le thusa le mo ditlhabololong tsa puso tse di neng di saletse kwa morago. Rre Matlhare a re matlo a dithuto tsa maranyane bontsi jwa one a fetogile matlo a borutelo ka jalo lenaneo la ESP le tlaa thusa gore matlo ao a fetoge e nne a dithuto tsa maranyane. A re le dikago tsa matlo a borutelo di tlaa fokotsa mosuke o o leng teng mo dikoleng. economy_business_and_finance 3 A thulwa ke koloi, a tlhokafala Monna wa dingwaga tse di masome mabedi le borataro wa kgotla ya ga Pudumo kwa Kanye o thudilwe ke koloi mo tseleng ya Jwaneng/Kanye ka Tshipi fa makgabaganyong a tsela fa Sesung. Mogolwane wa mapodisi a Sejelo, Superintendent Mogomotsi Matlapeng a re ba ne ba begelwa kotsi letsatsi lone leo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome a mane le bongwe go belaesegang a ne a thula a bo a gobatsa yo mongwe. Superintendent Matlapeng a re rre yoo, yo o neng a tsamaya ka dinao, o ne a bona dikgobalo tse di masisi mme a tlhokafala kwa kokelong ya Jwaneng mo letsatsing le le latelang. Ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile kotsi eo. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Khama o aga maphata a puso sesha Lt. Gen Dr Seretse Khama Ian Khama o agile sesha le go oketsa maikarabelo a maphata a puso. Pego e e sa tswang kwa go Mokwaledi wa ga tautona Rre Carter Morupisi ya re maphata a puso a okeditswe go nna lesome le boherabobedi go tswa kwa go lesome le borataro.Pego ya re palo ya bathusa tona le yone e okeditswe go nna lesome Lephata la merero ya ga Tautona le Bodirela Puso le fetotswe go nna la Ofise ya ga Tautona, Tsamaiso puso le Bodirela Puso. Lephata le lesha le tla itebaganya le go lwantsha tshenyetso sechaba le go tlhomamisa gore ditiro tsa tshokamo di a nyelediwa gotlhelele mo mehameng yotlhe ya itsholelo. Rre Morupisi o gatelela gore bana-le seabe botlhe, maphata a puso le mehama e e ikemetseng le makgotla a sechaba a tshwanetse go rwala boikarabelo jwa go arabela tseo tsotlhe mo sechabeng. Go tla a remelelwa mo go arabeng ditopo tsa setshaba, mme go dirwe ditsamaiso tse di maleba go araba ditlhokego tsa setshaba.Lephata la Temo-Thuo le fetotswe go nna la go Tlhabolola Temo-Thuo le go tlhomamisa gore lefatshe leno le na le dijo tse di lekaneng. Lephata leo le tla a tlhomamisa gore lefatshe leno le ntsha dijo tse di lekaneng mono gae le go fokotsa tse di rekwang kwa ntle, go bula diphatlha tsa mebereko le go tswakanya mhama wa Temo-Thuo.Boikarabelo jo bogolo jwa lephata le ke go tlhomamisa gore dijo tse di dirwang mono gae ke tsone tse di neelwang maemo a ntlha.Lephata la Dikago, Boranyane le Boitseanape le fetotswe go nna la Dikago le Matlo. Lephata le le tla a itebaganya le dikago tsa mmuso le tlhokomelo ya tsone.Tiro ya lephata le gape ke go tlhomamisa gore beng gae ba nna le boroko jwa seemo se se rileng le mananeo a kago ya matlo a a sa lopeng madi-madi. Lephata la Thuto le Tlhabololo Dikitso le fetotswe go nna la Thuto ya motheo mme le itebagantse le thuto ya dikolo tsa bananyana go fitlha kwa go tse dikgolwane tsa di senior secondary. Go rulaganngwa sesha mono go tsetse lephata le lesha la thuto e kgolwane, dipatlisiso, boitseanape le boranyane. Lephata leno lone le tla a lebagana le mananeo a go ntshetsa baithuti madi go ya dithutong, makgotla a thuto e kgolwane, le go lomaganya dipatlisiso, go fetola boitseanape le tlhabololo ya boranyane, go fetola lefatshe la Botswana go tsamaisa itsholelo ya lone ka dikitso, mme le alose dialogane tse di nang le dikitso tse di tlhokwang mo madirelong. Lephata la Tikologo, Diphologolo le Bojanala le fetotswe go nna la Tikologo, Tshomarelo ditsa Tlholego le Bojanala. Lephata leno le tla a lomaganya dikgang tsa tikologo le bojanala. Dingwe tsa ditiro tseno di akaretsa go somarela ditsa-tlholego, tlhabololo dikgwa, makgobokgobo, ditlhapi, mafelo a diphologolo le go tlhokomela makgabisa naga le go somarela mafelo a a sireleditsweng le ditsa tlholego. Lephata la Madi le Ditogaamano a Ditlhabololo le rulagantswe sesha mme jaanong ke lephata la Madi le Tlhabololo Itsholelo mme le tla a bo le lebagane le go lomaganya ditogamaano tsa ditlhabololo tsa sechaba, go baya leitlho go diragadiwa ga ditiro, go phutha le go tsamaisa ditsompelo tsa madi le itsholelo. Maikaelelo ke go tlhomamisa gore go kgonwa go tlhabolola itsholelo le matshelo a sechaba ka tsela e e utlwalang le go tlhomamisa gore itsholelo ya sechaba e humisa botlhe. Lephata la merero ya tsa Mafatshe A Sele jaanong le bidiwa la Merero ya tsa Mafatshe a Sele le Tshwaragano. Lephata leno le tla a tlhokomela ditirisanyo le mafatshe le go buelela dikeletso tsa lefatshe la Botswana kwa mafatsheng a sele le go dibela boipuso jwa lefatshe leno le melelwane ya lone. Lephata la Botsogo lone jaanong le bidiwa la Botsogo le Boitekanelo. Lephata leno ga le a leba fela go thibela malwetse mme le tla a itebaganya le boitekanelo ka go rotloetsa go tshela botshelo jo bo botoka ka go ja dijo tse di nang le dikotla, boitekanelo jwa mmele, botsogo jwa tlhaloganyo le go ipabalela ga beng gae. Lephata la tsa Pereko le Selegae jaanong le bidiwa lephata la tsa Khiro, tsa pereko le tlhabololo dikitso. Lephata leno le tla a bo le lebagane le ditirisano tsa mhiri le mhiriwa, pabalesego mo tirong, botsogo le tikologo, go rotloetsa botlhaga mo mhameng yotlhe ya ditiro le go tlhomamisa gore batho ba anywa dikitso tsa go dira ka diatla le go ba tlhatlhelela dikitso. Thulaganyo sesha eno e tsetse lephata le lesha la sechaba, boagedi le merero ya bong. Lephata leno lone le tla a dibela boleng jwa setshaba, go laola metsamao ya batho kwa melelwaneng, go laola diteseletso tsa boagedi le pereko. Lephata la Ditsha le Matlo jaanong le bidiwa lephata la Tlhokomelo lefatshe, Metsi le ditirelo tsa kgopho leswe. Lephata leno le tla a tlhomamisa gore go nna le tsamaiso ya lefatshe e e lebanyeng le go tlhokomela gore matshelo a batho le itsholelo a a tlhabologa ka go tsenya lefatshe ditlamelo. Lephata leno gape le tla a bo le ikarabela mo go noseng sechaba metsi a a phepa le go dirisa gape metsi a a dirisitsweng go boa a dirisiwa ke batho mo malwapeng le mo tlhabololong ya tsa temo-thuo. Lephata la meepo, kgotetso le metsi jaanong le tla a bo le bidiwa la Ditswa-mmung, boranyane jwa pabalelo tikologo le tshomarelo ya tsa kgotetso. Dingwe tsa ditiro tsa lone ke go lomaganya mananeo a tlhabololo ya ditswa mmung le go laola meepo. Mo go tsa boranyane jwa pabalelo tikologo, lephata le tla a tlhomamisa gore go shafadiwa ga tsa kgotetso go fokotsa kgotlelesego ya tikologo le go tlhomamisa gore tsa kgotetso di dirisiwa ka tsela e e molemo le go di dibela. Lephata la banana, metshameko le ngwao le rulagantswe sesha go nna la go neela banana dithata, metshameko le tlhabololo ya ngwao. Lephata leno le tla a aba mananeo a go neela banana dithata gore ba tsenye letsogo ka botlalo mo tlhabololong ya matshelo le itsholelo ya lefatshe leno. Lephata leno gape le tla a tlhabolola metshameko ka botlalo le go tswakanya itsholelo, go tlhabolola ngwao le go e rotloetsa. Maphata a itshireletso, molao le thokgamo, la dikgaolo le tlhabololo magae, peeletso, papadi le madirelo le la dipagamo le ditlhaeletsanyo ga a fetolwa. Rre Morupisi o boletse gore go godisiwa le kago sesha ya maphata a puso e diretswe go tlhomamisa gore ditirelo di isiwa ka manontlhotlho kwa bathong le maitlamo a mmuso a go diragatsa ditiro tsa one tsa konokono tsa tlhabololo itsholelo, go fefosa go tlhamela batho ditiro le go direla Batswana ditiro tse di ba neelang seriti. Diphetogo tseno di dirwa go setswe morago molao wa maphata wa number 4 wa 2016, mme di simolola kgwedi ya kamoso ya Phalane e tlhola letsatsi. ENDS politics 7 Batswana ba tshwanetse go lebogela kagiso Motlhatlhelela dithuto kwa Unibesithing ya Botswana Professor Mphemelang Ketlhoilwe a re Batswana ba tshwanelwa ke go lebogela go bo babusi ba pele ba ne ba ba neela mpho ya kagiso. A re mafatshe mangwe a tlhoka kagiso ka jalo Batswana ba seka ba tsaya motlhofo gore kagiso eo e tsile fela a bolela fa kagiso e itirelwa. O ne a bua jalo bosheng kwa motseng wa Lerala kwa banni ba neng ba amogela molelo wa kgolagano. Rre Ketlhoilwe a re mafatshe ka bontsi a eletsa lefatshe leno e bile a eletsa se lefatshe leno le leng sone. O tsweletse a re kagiso e e renang mo lefatsheng leno e file Motswana mongwe le mongwe seriti. A re fa Motswana a tswela kwa mafatsheng a mangwe a ipolela gore o tswa kwa lefatsheng la Botswana ba a ba ikitsisang ba mo amanya le kagiso e e renang mo lefatsheng leno. Rre Ketlhoilwe a re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse a itshekatsheke a bo a ipotse gore a o tlaa tsweledisa kagiso e e dirilweng ke bogogi jwa lefatshe leno. A re gape Batswana ba tshwanelwa ke go sekaseka gore ba ka tlatsa ka sefe se ba ntseng ba na le sone go isa Botswana pele. A re molelo wa kgolagano ga o kae kgolagano ya lefatshe fela mme o kaya kgolagano gongwe le gongwe mo go tse di dirang di akaretsa kwa malwapeng le kwa ditirong tse badiri ba thapilweng go di dira. E ne e rile go le pele fa a amogela baeng, Kgosi Molebatsi Moroka wa Lerala, a kopa banni go leba kwa morago mme ba eme puso nokeng ka tse e di dirileng go simolola lefatshe leno le ipusa. A re go ne go sena ditlhabololo dipe fa lefatshe leno le tsaya boipuso mme mo nakong eno ditlhabololo di tshwana le tsa ditsela, dikago le tsa botsogo di teng. Mokhanselara wa Lerala Bophirima, Rre Gabagopole Sebele o ne a supa fa Batswana ba setse ba le mo seemong sa go ikgaoganya ka dilo di tshwana le sepolotiki, metse le dikgotlana mme a gwetlha botlhe go tshwaragana a bolela fa tse di kgaoganyang Batswana di kgona go senya kagiso e e ntseng e rena. BOKHUTLO society 9 Banka ya FNB e abela dikole ditlhako Mookamedi wa banka ya FNB mo Ghanzi, Rre Lekono Koketso a re bagwebi ba tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go thusa bana go na le gore sengwe le sengwe se bewe mo maruding a batsadi. Rre Koketso o ntshitse mafoko ao fa a ne a abela bana ba sekole sa Kacage ditlhako bosheng, a re maikaelelo a lekgotla leo ke go thusa ba ba dikobo dikhutshwane le bana ba masiela. A re lekgotla leo le tshwaraganye le setshaba go tlhomamisa gore bana ba golela ka fa tlase ga tlhokomelo e e siameng le gore e nna banana ba ba nang le boikarabelo. Mookamedi yoo o ne a tlhalosa gape fa botsogo le tshireletsego ya bana e le ya maemo a ntlha mo lekgotleng leo. A re ngwaga le ngwaga banka eo e ntshetsa lekgotla leo bongwe mo lekgolong la dipoelo tsa yone. Rre Koketso a re lekgotla leo la FNB ke lengwe la a matona mo go thuseng Batswana. A re fa e sale lekgotla leo le tlhangwa ka ngwaga wa 2001 le setse le ntshitse dithuso ka go farologana tsa madi a a fetang P40million. A re seo se supa fa lekgotla leo le godile. A re ka 2015 ba ne ba simolola go thusa bana ba abela bana ba dikole ditlhako ngwaga le ngwaga. Rre Koketso a re paka eno ga twe mariga a ya go nna bogale, ka jalo ba ya go abela dikole tse di kgakala le ditlamelo ditlhako di le 3 138. A re lenaneo leo le ya go thusa dikole di le lesome le boferabobedi mo dikgaolong difera bobedi go balelwa le kgaolo ya Ghanzi. A re bana ba dikole tseo botlhe ba tlaa bona ditlhako. Banka e setse e abetse sekole sa New Kanagas ditlhako di le 257 fa kwa sekoleng sa Kacgae ba abile 250. E rile mogokgo wa Kacgae, Mme Kebahelwe Tshwaane a amogela mpho eo a supa fa e tsile ka nako e e siameng ka gore ke nako ya mariga. A re bontsi jwa bana ba sekole sa gagwe ba latlhile ditlhako tse ba di phakisiwang ke khansele. Mogokgo Tshwaane o ne a leboga ba banka ya FNB a ba kopa go tswelela ka mowa oo mme e bile a re o leboga ka gore gompieno ba itebagantse le dikole tse di kgakala le ditlamelo. Mme Tshwaane o boletse gore bontsi jwa bana ba ne ba se na ditlhako mme ba ne tshaba sekole ntateng ya mariga. BOKHUTLO society 9 Motlhala wa Saint Maria Aphord o papametse - Seretse Moemedi wa pele wa lefatshe la Botswana kwa Amerika Mme Tebelelo Seretse o akgoletse kereke ya Saint Maria Aphord Church gore e bo e na le motlhala o o ka salwang morago. Mme Seretse o buile se kwa tirelong ya go kokoanya madi ya kereke eo bosheng. A re lefatshe la Botswana le wetswe ke seru sa go tlhagoga ga dikereke tse medi ya tsone e sa tlhaloganyesegeng. Mme Seretse a re lefatshe la Botswana le file batho ba lone ditshwanelo tsa go obamela medimo ya bone ga mmogo le go amana le mekgatlho e ba e ikgethetseng. Moemedi wa pele o ne a tlhalosa fa pele dikereke dingwe di ne di sa letlelelwe mo lefatsheng leno. A re go letlelela batho go itirela dikereke go dirile gore bontsi bo tsietse ba bangwe ka leina la Modimo. Mme Seretse o ne a kgothatsa boeteledipele le baphuthegi ba kereke ya Saint Maria go tswelela ba tshegeditse tsamaiso ya kereke ya bone. Mme Seretse o ne a re tsamaiso ya bone ya go thusa batho ka merapelo ntle le go lopa sepe mo go bone ke selo se se siameng fela thata. Mme Seretse o ne a tswelela a rotloetsa setshaba go nna podimatseba ka madi a mantsi a ba a lopiwang ke dikereke. O tladitse ka gore Batswana ba seka ba nyatsa tumelo ya mono gae le dikereke tse di tlholegang mo Botswana. A re seo se ka itsa go senya madi a mantsi a a dirisiwang go latela dikereke tse di ko ntle ga Botswana. Mme Seretse o rotloeditse batsadi go godisetsa bana mo tumelong ya Modimo. A re seo se ka dira gore boitsholo jwa bana e nne jo bo amogelesegang mo setshabeng. Tirelo e ya go kokoanya madi mo kerekeng eo ya Saint Maria e ne e itebagantse le go dira dikago tsa kereke. Fa a ntsha la gagwe, moruti Modiredi Otukile a re moono mogolo wa go aga kereke ke gore ba batla go tsisa seriti mo thapelong. Moruti Otukile o kaile fa go tsenela ditirelo tsa kereke mo patlelong go ne go nyenyafatsa seriti sa thapelo le kobamelo Modimo. Rre Otukile o kaile fa ba le mo thulaganyong ya go feleletsa dikago tsa dikereke tse pedi. A re kereke e nngwe e ko motseng wa Dikukuru e ntse e le mo kgaolong ya Legare fa e nngwe e le mo Serowe. religion_and_belief 8 Modulasetilo wa Kgatleng o lela ka leruo Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong, a re o tshwenngwa ke leruo le le gobeyang kwa Mochudi. Modulasetilo o boletse jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Mochudi ka Labobedi (11/09/2015) fa a ne a lekodisa Bakgatla ka ditirelo le mananeo a puso. A re makhanselara a ne a thulanya ditlhogo go bona gore ba ka dira jang ka leruo le le nnang mo motseng mme ba ne ba tswa ka mogopolo wa gore ba le fuduse le ye kwa le tshwanetseng teng. A re leruo le le ruelwang mo motseng le senyetsa morafe a supa fa le baka le tsone dikotsi tsa dikoloi tota. O ne a supa fa molao le one o le teng wa gore leruo le seka la ruelwa mo metseng mme o ne a kopa Bakgatla go ipaakanyetsa phetogo eo ya go isa leruo kwa mafelong a a tshwanetseng. Mokhanselara Morolong a re ba ba ka itlhokomolosang molao oo ba tsile go otlhaiwa a tlatsa ka gore mong wa leruo o tlaa lopiwa dipula tse di lesome ka letsatsi fa leruo la gagwe le ka tshwarwa la isiwa kwa lesakeng la khansele. Mo go tse dingwe, o ne a bua a sa kgwe mathe ka leswe le le mo motseng wa Mochudi a tlhalosa fa seo se sa siamela botsogo jwa batho. A re matlakala a a ba tshwenyang thata ke a a mo malwapeng mme o ne a kopa morafe go netefatsa gore lelwapa lengwe le lengwe le na le tanka ya matlakala a tlatsa ka gore seo se tlaa tokafatsa seemo seo se a tlhalositseng fa se sa ba jese diwelang e le makhanselara. O tsweletse a supa fa khansele e ne ya tsaya tshwetso ya go thapa bora dikonteraka mo kgaolong nngwe le nngwe ya bokhanselara gore e nne bone ba ba tsayang matlakala mo malwapeng go a isa kwa lefelong la matlakala ko Pilane. Le fa go ntse jalo o ne a supa fa bangwe ba na le mokgwa wa go latlhela matlakala mo ditseleng tse di yang masimong le ko merakeng se a kaileng fa e se mokgwa o o siamemng mme o ne a ba kopa go emisa go dira jalo. Modulasetilo o ne a itsise Bakgatla ka lefelo le khansele e le tlhabololang e le la itloso bodutu mo Mochudi le a supileng fa maikaelelo a bone e le khansele ke go itirela madi mo khanseleng ka lefelo leo. Modulasetilo o tshwentswe ke leruo le le gobeyang mo motseng. A re ba santse ba agelela setsha seo le ntswa sebe sa phiri ke gore batho bangwe ba tsweletse ka go senya terata eo. Kwa bofelong o ne a bolelela morafe ka lenaneo la puso la go atswa ba-na-le-bogole ka madi a a kanang ka P300 go simolola kgwedi eno e fela. Le fa go ntse jalo o ne a supa fa e se mo-na-le-bogole mongwe le mongwe yo o tlaa fiwang madi ao a tlatsa ka gore go ya go dirwa ditshekatsheko tse di tseneletseng pele go bona gore a mme motho wa go nna jalo o ka fiwa madi ao. Fa ba mo kgwa dikgaba Bakgatla ba ne ba itumelela phuthego ya ga modulasetilo mme le bone ba supa fa ba tshwentswe ke leswe le le mo motseng wa bone. Bangwe ba ne ba supa fa metseto e le yone e e leswafatsang tikologo. society 9 Ba Kgalagadi ba akgolelwa boitshwaro Motshwarelela mookamela mapodisi a Kgalagadi Superintendent Segakolodi Gaerole, o akgoletse banni ba Tsabong le metse e e mabapi go itshwara sentle ka matsatsi a keresemose le ngwaga o mosha. Superintendent a re o lebogela gore go ne go sena ditiragalo tse di fatlhang mo go kalo mo kgaolong ya gagwe. Le fa go ntse jalo Superintendent Gaerole o boletse fa letsatsi pele ga la keresemose ba ne ba begelwa tiragalo e mo go yone monna mongwe a neng a bona dikgobalo tse di masisi mo tlhogong morago ga gore koloi e a neng a e kgweetsa e pitikologe. Mme Gaerole o boletse fa kotsi eo e diragatse mo tseleng ya Tsabong/Omaweneno, mme monna yoo a ne a ragosediwa kwa sepateleng sa Princess Marina kwa Gaborone go alafelwa dikgobalo tseo. A re ka lesego mopalami wa koloi eo ene o ne a falola ka bobi jwa segokgo ntleng le dikgobalo dipe. Mme Gaerole o ne a kopa banni le setshaba ka kakaretso go tswelela ka boitshwaro joo go ya pele. Kwa Bokspits, Assistant Superintendent Berman July le ene o supile fa kagiso e ne e rena kwa motseng oo le e e mabapi. Assistant Superintendent July lefa go ntse jalo o boletse fa mapodisi ba gatisitse melato e sekae fela e akaretsa dititeo tse dipotlana, go kgweetsa motho a nole bojalwa, go kgweetsa dikoloi tse di sa itekanelang, go kgweetsa motho a sena teseletso le tiriso ya matlhapa mo kgaolong ya gagwe. Bontsi jwa batho ba ne ba ile kwa dikerekeng fa bangwe ba ne ba itlosa bodutu ka metshameko ya kgwele ya dinao. Kwa Middlepits, Inspector Mokwaledi Ntoka le ene a lebogetse gore go ne go sena ditiragalo dipe tse di maswe mo kgaolong ya gagwe. O supile fa mapodisi a ne a dikologa metse e e gaufi le mo marekisetsong a majalwa le meraka mme sengwe le sengwe sa bo se apere tshiamo. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Ditagi di a tshwenya - Ralotsia Tona wa tlhabololo temo-thuo le dijo gape e le mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Patrick Ralotsia a re ditagi di a tshwenya mo dikoleng. Rre Ralotsia o buile mafoko a kwa moletlong wa kabo dimpho kwa sekoleng se sebotlana sa Ketlogetswe Memorial mo Kanye bosheng. A re ditagi ka go farologana di tshwenya barutabana mo e bileng ba tshaba bana, a re ba re fa ba otlhaya bana batsadi bangwe ba ba palamela ditanka. Rre Ralotsia a re dingwe tsa ditagi tse gatwe di dirwa ka boloko jwa setho, a tla a re mathata a mantis a kwa sekoleng se segolo sa Seepapitso mme bana ba Ketlogetswe fa ba fenya ditlhatlhobo. O rotloeditse barutabana gore ba emele thuto ka dinao ba se ka ba fela pelo. Le fa gontse jalo o ne a kgothatsa bana go ithuta ka tlhoafalo ba bo ba reetse se batsadi le barutabana. Sekole se se butswe ka 2011 mme ngwaga o se tlaa bo se alosa mophato wa bosupa e le wa botlhano. Fa a amogela baeng, mogokgo wa sekole seo, Rre Oscar Leatso o ne a re o ne a bolela fa sekole seo se na le baithuti ba le magaring ga makgolo a fera bobedi le makgolo a fera bongwe. A re ba dirile moletlo wa kabo dimpho e le go leboga baithuti, barutabana le badiri ba sekole seo ba ba dirileng ka botswa-pelo. O bile a re kgaolo ya borwa e na le maikaelelo a go tsholetsa thuto. Kgosi wa Mafhikana, Rre Daniel Mosiele e rile a ntsha mafoko a tebogo a kopa batsadi go tsibogela dipitso tsa barutabana ka dinako tsotlhe. Kgosi Mosielele a re bana ba gompieno ba tsena sekole ba le bannye thata, ka jalo go botlhokwa gore barutabana fa ba bitsa batsadi ba tsiboge ka bofefo. A re fa batsadi ba ya sekoleng ba abo ba ya go utlwa botsogo le bokoa jwa bana. O kopile bana go reetsa batsadi a bo a ba bolelela gore fa ba gola ba ya go kopana le dikgwetlho. Rre Mosielele o boleletse bana gore dikgwetlho tse ke tse batsadi ba sa batleng ba kopana le tsone, a bo a ba kgothatsa gore ba iphaphe mo dilong tse bomogoloabone ba di dirang jaaka ditagi. BOKHUTLO education 4 Se senyeng nako ka go kgalana - Reatile Modulasetilo wa khansele ya borwa, Rre Mephato Reatile o kopile baruti ba dikereke tsa Kanye gore ba seka ba senya nako ka go kgalana. A re ba tshwaragane gore tiro ya go bopa setshaba e tle e kgonege. Rre Reatile o buile jalo kwa kgotleng kgolo ya Ga-Ngwaketse jaaka dikereke di ne di kopanetse teng go rapelela molelo wa kgolagano. A re baruti ba tsaya nako e telele ba kgala dikereke tse dingwe, ntswa tiro ya baruti e kgolo e le go rera lefoko la Modimo e seng go supana ka menwana. Rre Reatile o ne a kopa gore molelo wa kgolagano o golaganye baruti gore go seka ga nna le ba ba reng bone ga ba tsene lekgotla la baruti, a re yo o buang jalo a itse gore ga se yo o agang ke yo o thubang. O bile a kopa baruti go rapela thata gore pula e tle e ne. Father Mantu o ne a neelwa sebaka sa go abela bangwe ba batho ba ba tlhokileng lesego dimpho go tswa kwa lekgotleng la baruti. Baruti ba ne ba bolela fa ba bone go le botlhokwa gore mowa wa kutlwelobotlhoko o simologe ka bone, mme ba gopole ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. Father Mantu a re e le ba lekgotla la baruti ba ne ba tsena ntlo le ntlwana ba kopela batho ba ba tlhokileng lesego mme ba bona dikobo di fera bongwe le kolotsana e e dirisiwang ke ba-na-le bogole. Fa a leboga, modulasetilo wa lekgotla la baruti la Kanye, Moruti Koolopile Pema o ne a re e le ba lekgotla la baruti ba ikaeletse go dira le bodirelapuso jo bo mo motseng. Moruti Pema a re baruti ba tlhoka badirelapuso mme badirelapuso le bone ba tlhoka baruti. O bile a bolelela kgosi Kebapetse Telekelo gore fa ba batla baruti ba teng nako nngwe le nngwe. A re Kgosi Telekelo o kopile gore baruti ba bue le diphuthego ba di kgothatse go dira loaro lwa borre lo lo babalesegileng, a re mme le ene o eletsa go bona baruti ba kgothatsa bana ba bone kwa dikerekeng gore ba ye go dira loaro lo. Rre Pema o ne a kopa baruti ba Kanye le tikologo gore ba gatele pele ba seka ba boela kwa morago. Mongwe wa bagwebi ba Kanye e bile e le moruti wa kereke ya Muslim, Moruti Sakiri Khan e ne o ne a re pula e kganelwa go na ke maleo a batho jaaka go tlhoka go utlwa ga bana le batho ba ba bolayang ba bangwe. Moruti Khan a re Modimo ga o rate dilo tse, ke sone se pula e ganang go na. Morago o ne a rapelela pula religion_and_belief 8 Go botlhokwa go obamela molao wa molelwane Tona wa merero ya setshaba, boagedi le bong, Rre Ngaka Ngaka, o ne a etetse batho ba metse e e gaufi le melelwane kwa Kgalagadi Borwa bosheng. O tlhaloseditse banni mo phuthegong fa go le botlhokwa go sala molao wa go tlola melelwane. A re banni ba metse e e bapileng le molelwane ba na le masika mo mafatsheng a a mabapi, ka jalo ba dirisana mo go tsa selegae jaaka manyalo, dintsho, kgwebo le tse dingwe. A re o amogela dikgang tsa bana ba ba tsholwang ke Batswana le batho ba mafatshe a sele mme bana ga ba ithole boagedi ka fa go tshwanetseng, mme go tsale ketsa-etsego fa go tla gore go rurifadiwe gore a motho ke Motswana. Fa mongwe wa batsadi e se Motswana, molao o supa fa ngwana a fiwa boagedi jwa batsadi boo babedi go fitlhelela a nna le dingwaga tse masome a mabedi le mongwe, tona a tlhalosa jalo. A re ngwana yo o fiwa Omang a le dingwaga di le lesome le borataro mme Omang wa gagwe o dirwa gore a fele fa a le dingwaga tse masome a mabedi le bongwe. A re fa ngwana a batla go nna Motswana, o tshwanetse go ithola pele boagedi jwa lefatshe le lengwe. Ka jalo o ne a rotloetsa gore ba ba mo seemong se, ba seka ba nna fela kwa lwapeng ka seo se tlaa ama dikokomane tsa bone lentswa ba nna mo Botswana. O boletse fa ope yo o senang Omang seemo seo se tlaa mmaya ka fa mosing ka a tla a seke a kgone go akola mananeo a puso. Rre Ngaka o gakolotse banni ba ba ikopetseng Omang go latela dikarata kwa di ofising. A re bangwe ba ela ruri kwa di polaseng fa ba sena go dira Omang. “Fa gongwe fa go iwa koo ke ba Omang, go fitlhelwa e le gore dipolase di lotletswe. Re kopa tirisanyo mmogo e e lolameng,” Tona Ngaka a kopa. A re bontsi jwa batho ba ba agileng fa thoko ga melelwane ba na le go tlola molelwane fa go sa tshwanelang. O supile fa seo se le borai ka ba ka tlhaselwa ke dilalome. A re go supega fa molato oo, e le selo modiro ka bangwe Batswana ba felela ba tsholela bana koo mme fa ba boela mono go nna thata go bona dithuso tsa puso ka ba ne ba sa tlola molelwane ka fa molaong. Mo go tse dingwe, Rre Ngaka a re kgokgontsho ya bomme e a tshwenya ka jalo banni ba tshwanetse ba e emela ka dinao. O boletse fa e ka kgonwa fela ke fa ngwana wa mosetsana le wa mosimane ba ka laiwa go tswa kwa lwapeng. O tlhalositse fa lephata la gagwe le kwadisa dikereke ka dipalo tse dintsi le ntswa batho ba le palo potlana mo metsing. Mongwe wa banni ba Tsabong, Rre Tshipietsile Mothelesi, o ne a lebogela Tona Ngaka go etela metse e e mo melelwaneng, a re seo se tla a thusa fela thata, mme o ne a kopa tona go sekaseka go oketsa dinako tsa go tswala melelwane. Rre Issac Coetzee ene o ne a kopa tona go bona gore terata ya molelwane e a tsholediwa ka diphologolo le dihutshane tsa banni ba Kgalagadi di felela ko mafatsheng a a mabapi, mme ba felele ba le mo lehumeng. A re dihutshane di a utsuwa di tlodisiwa melolwane mme ga go motlhofo go di latedisa fa di setse di tlodile. Rre John Toto o tlhalositse fa molelwane wa Mc Cathy’s Rust o na le ditlamelo tsotlhe ntlheng ya Botswana mme wa South Africa one o sena bakgethisi ba dithoto, mme se se pateletse banni go tsamaa tsela e telele go ya ko toropong ya Upington go kwadisa dithoto tsa bone pele ba ka tlola molelwaneng. A re se, se turu mme ebile se tsaya nako, gape se ka itsapisa bajanala le bagwebi go dirisa molelwane o, ka jalo a kopa tona go buisana le ba South Africa go tsisa ditirelo tseo gaufi. Fa a araba, Tona Ngaka o tlhalositse fa a tlaa rerisa ba maphata a a pataganetseng go dira ko melelwaneng jaaka ba sesole, mapodisi, bakgethisi le ba temothuo. Fa a araba dikgakololo tsa gore puso e laole go runya ga dikereke ka go dira melao, Rre Ngaka o tlhalositse fa go ka se kgonege ka Motswana mongwe le mongwe a gololesegile go obama jaaka a batla. society 9 Dikomiti di tsweletse ka go baakanyetsa mediro Dikomiti tse di baakanyetsang boipuso le kamogelo ya molelo wa kgolagano tsa metse ya kgaolo ya Shoshong di tsweletse sentle go baakanyetsa mediro eo. Fa ba bua kwa phuthegong ya ditherisanyo kwa Shoshong le bagolwane ba kgaolo-potlana ya Mahalapye bosheng, maloko a dikomiti tsa Shoshong, Poloka, Moralane, Mokgenene, Kalamare Otse, Kodibeleng, Mosolotshane le e mengwe ba kaile fa ba tsweletse sentle go baakanyetsa meletlo eo. E rile a bua kwa bokopanong joo, mokwaledi wa khansele-potlana ya Mahalapye, Rre Godimo Garegope, a tlhalosa gore le ntswa dikomiti dingwe di saletse kwa morago mo bokopanong jo, ba tsile go thusana ka megopolo go thusa ba ba saletseng kwa morago. Rre Garegope o ne a tlhalosa gore ba batla go ipona ba dirile sengwe fela se se bonalang ke ka moo ba saleng ba simolotse go baakanyetsa mediro e ka 2013. A re ba bone go le mosola go tla go kopana le dikomiti tsa BOT50, dikgosi, baduladitilo ba dikomiti tsa ditlhabololo ka botlhe ba na le seabe mo go baakanyetseng meletlo eo. O ne a tlhalosa gore motse mongwe le mongwe mo kgaolong le lefatshe ka bophara o tshwanetse go keteka letsatsi le la boipuso, dikereke, makgotla a a ikemetseng, banana, badiragatsi, dikole le baithuti ga mmogo le Motswana mongwe le mongwe fela ka kakaretso. A re ka jalo setshaba se tshwanetse sa rutiwa gore ba tshwanetswe ke go dira eng, go bona gore le bone ba nna le seabe mo letsatsing le ga mmogo le go baakanyetsa molelo wa kgolagano. Rre Garegope o ne a tlhalosa gore molelo wa kgolagano o tsile go goroga mo kgaolong-potlana ya Mahalapye, o gorogela kwa Mosolotshane kgwedi ya Seetebosigo e le lesome le boraro mme o tsile go tsamaya le metse yotlhe e e mo kgaolong. A re molelo o, fela jaaka boipuso o tshwanetse go wa fiwa tlotla ka e bile o tsile go tswa mo kgaolong ya bone kgwedi ya Phukwi e le masome a mararo kwa Dibete. Fa a tswa la gagwe molaodi wa kgaolo, Rre Bakuedi Masole le ene o ne a tlhalosa gore metse yotlhe mo kgaolong e tshwanetse go ema ka dinao go bona gore meletlo yotlhe e dirwa ka fa go tshwanetseng. Rre Masole a re kgaolo-potlana ya Mahalapye e tshwanetse go thusana, go tsaya malebela mo go ba bangwe go bona gore botlhe ba itlhoma kwa pele gore boipuso jwa ngwaga ono e nne jwa maemo a a kwa godimo jaaka lefatshe le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano le ntse le ipusa. O ne a tlhalosa gore ka molelo wa kgolagano go na le thulaganyo e e faphegileng e e tsileng go dirwa mme ba tshwanetse ba bo ba eme sentle go bona gore tsotlhe di tsamaya ka thelelo. O ne a rotloetsa dikomiti tse di saletseng kwa morago go ikgolaganya le tse di tsweletseng, go kopa dithuso mo setshabeng le go ka dira tsotlhe fela go bona gore ba ipaya kwa pele. Rre Masole a re e le ba kgaolo-potlana ya Mahalapye ba ne ba ikgaoganya le metse yotlhe ya kgaolo e le badirelapuso go thusana le dikomiti go bona gore tiro e tswelela sentle. politics 7 Ba gakolotswe go kopa diteseletso Mogolwane mo ofising ya dikgwa le matlotlo a tlholego mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Rre Olebile Kolojane, a re ba tshwenngwa ke batho ba ba bapalang dibapalwa nageng ba sena diteseletso tsa go dira jalo. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, a supa fa go se phoso go dirisa dibapalwa nageng mo matshelong a letsatsile letsatsi, mme a re fa motho a bapalela go gweba go tlhoka teseletso. O supile fa setlhare sa moselesele e le sone se rengwangphetelela ka se siametse dikota tse di agang masimo le malwapa. O supile fa ba tshwere diphuthego mo metseng ya Mantshwabisile masimo a Mosinki go tsibosa banni ka go somarela tikologo ledikgwa, mme a re go rekisa dikgong kana dikota motho a sena teseletso aka atlholwa sekete sa dipula kgotsa ngwaga mo kgolegelong kgotsa dikotlhaotsotlhe ka bobedi. Rre Kolojane o tsweletse ka go supa fa maikaelelo a ofisi yabone e le gore ngwaga le ngwaga ba tshware letsatsi la temo ya ditlhare mokgaolong ga mmogo le gone go ruta setshaba ka tshomarelo ya dikgwa. O tsweletse ka go supa fa diteseletso di le mefuta mme go nale ya go roba o bo o rekisa mme yone e dirwa ka dipula tse pedi mme e dirisiwakgwedi fela, fa ya dealers yone e dirwa ka tse di masome a matlhano a dipulamme e dirisiwa mo dikgweding tse thataro. O bile a gatelela fa diteseletso tse di sa amoganwe mme asupa fa go kgetliwa ga bojang go buletswe go simolola ka kgwedi ya Phukwi e lefa gare go fitlha ka kgwedi ya Phalane e ya fifing. E rile a tswa la gagwe, mongwe wa ba ba gwebang ka dibapalwanageng kwa Serinane, Rre Kgosiyagae Pinayame, a tlhalosa fa go gwebaka dikota go mo thusa ka a kgona go isa bana dikoleng le gone go ba rekeladijo. O kaile fa letshwenyego la gagwe e le batho ba ba rekisang dikota mme basena diteseletso e bile ba rekisa ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase mo bafelelang ba ba tseela bareki. O tsweletse ka go kopa botlhe ba ba gwebang ka dibapalwanageng go dirisanya le ba ofisi ya tshomarelo dikgwa gore ba tseye diteseletsogo na le go dira fela. environment 5 Barutabana ba ruta bana ngwao Ngwao e tsweletse ka go gomagomediwa ke go nyelela ka bonya ka bonya, mo e bileng batho bangwe ba sa e tseeng tsia mo ba felelang ba inaakantse le dingwao tsa mafatshe a sele. Go lemogeng fa ngwao ya Setswana e tsweletse ke go itlhokomolosiwa ke bontsi jwa batho, barutana ba sekolo se se botlana sa Notwane mo Gaborone, ba seka ba ipona tsapa ba rulaganya letsatsi la ngwao go rutuntsha bana ka ngwao ya Setswana. Mogokgo wa sekolo seo Mme Kamogelo Samo, o tlhalositse fa ngwao ya Setswana e fetogile fela thata fa a e tshwanya le dinako tsa bogologolo, A re seane se ko tshimologong go ne go twe ‘go apara kobo ka letlhono’. Mme Samo o tsweletse ka go tlhalosa gore mo dinakong tsa maloba diane di ne di tumile fela thata mo di neng di dirisiwa thata mo puong gongwe le gongwe. O tlhalositse fa mo bogompienong dilo di fetogile ka go le gantsi mo dikolong bana ba rotloediwa thata go bua sejatlhapi se se felelang se ba paledisa go bua Setswana saga bone. Morutabana ko sekolong sa Notwane yo e bile a lebaganeng le tsa metshameko le ngwao kwa sekolong seo Mme Dorcas Montlane, fa a tsibosa baithuti ka ngwao a re, Motswana tota o ne a bonwa ka kapari ya Setswana e seng mo bogompienong mo go ikaparelwangng diapero tsa sekgowa. “Motswana ene e re e le Motswana e ne ere fa e le Motswana sentle re be re mmona ka letlalo la kgomo, ka tshega, le ka makgabe,” a tlhalosa. O tswele gape a tlhalosa fa metshameko le yone ene e supa fa motho e le Motswana wa sekei, metshameko e e akaretsa diketo, koi le e mengwe. Mme Montlane a re boitshwaro ke sengwe se ngwana wa Motswana a tshwanetseng go itshupa ka sone gore ke Motswana tota, a tlhalosa fa ngwana wa mosetsana a ne a seke a phimelelwa ke letsatsi mo nageng kgotsa la mo tlhabela a le mo ntlong jaaka go diragala gompieno. O kaile fa botho bo ka supa fo motho e le Motswana wa tlhomamo, a tlhalosa gore botho bo simolola fela ko bonaneng. O gateletse gore botho bo simolola fela fa o tlotla molekane wa gago, go yeng ko go tlotleng yo mogolwane. Fa a ntsha la gagwe tebang le tsa ngwao Rre Ponatshego Banyatsi o kaile fa go nna motswana o tshwanetse go ikitse gore o mang le gore o tswa kae. O tlhalositse fa go tshela mo setsong sa Setswana go le mafelo a le mabedi, ko dilo tse di bolokang tsa setso di ka fitlhelwang teng e leng moraka le masimo. A re ko masimong ke ko dijwalo di leng teng, fa ko morakeng e le ko thuo e leng teng, a kaya fa e le ko tshimologo ya kitso ya setso e leng teng. Letsatsi le le ne la natifisiwa ka mmino wa setso, metshameko ya setso e akaretsang diketo, morabaraba, koi le e mengwe. Dipina tsa dikhwaere le tsone e ne e le dingwe tsa ditaragalo tsedi supang fa letsatsi le e le la ngwao ya Setswana. E ne yare kwa bokhutlong jwa ditiragalo gwa ikgogelwa kwa motlobong wa didirisiwa tsa setso gone mo sekolong seo go supa di tsa setso tse di akaetsang lekuka le go dirwang madila ka lone,makgabe, diphate le tse dingwe fela jalo. Bokhutlo arts_culture_entertainment_and_media 0 Mapodise a tshegeditse moithuti Moithuti mongwe yo o dirang lokwalo lwa botlhano kwa sekolong se segolwane sa Molefhi kwa Mochudi o tshegeditswe ke Mapodise a Mochudi go ba thusa ditlhotlhomiso morago ga gore a tlhabe yo mongwe ka thipa. Mothusa Mookamedi wa mapodisi a Mochudi Rre Wazha Zambezi, o boletse gore lekawana leo le le dingwaga di 18 le ne la tlhaba lekawana le lengwe, le lone le dingwaga di 21 ka thipa bosheng go le kwa maitisong kwa dibareng tsa Masakeng. A re morago ga tiragalo eo, ya nako ya lesome le motso bosigo, lekawana le le tlhabilweng le ne la tla go bega kwa mapodising mme a ragosediwa kwa kokelong. Rre Zambezi o ne a tlatsa ka gore e ne ya re morago ga malatsi a mararo lekawana leo la tlhokafala. A re e ne ya re beke e e fetileng moithuti yoo a isiwa fa pele ga ga mmakasetera go arabela molato wa polao mme ditlhotlhomiso di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile gore a tlhabe yo mongwe ka thipa. Mothusa ramapodise a re ditlhotlhomiso tse ba di dirileng di supa fa go ise go nne le ntwa mo gare ga bobedi joo mme ba sa ntse ba batlisisa gore gare go ne ga tsena eng. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 FNB e tsentse letsogo go thusa ba ba tlhokang First National Bank (FNB) e tsweletse ka go abela baithuti ba dikole ditlhako. Sengwe sa dikole tseo ke sa Botshabelo kwa Selebi Phikwe. E rile a bua kwa moletlong wa go abela baithuti ditlhako, mogokgo wa sekole sa Botshabelo, Mme Margaret Mthunzi, a re FNB e gorositse dimpho ka nako e e maleba ya mariga ka baithuti ba bangwe ba ne ba tsamaya ka dinao ba sena se ba se rwalang. Mme Mthunzi a re Botshabelo o dikologilwe ke masimo ka jalo bana bangwe ga ba kgone go tsena sekole sentle mme fa ba bangwe ba tla morago ga nako. Molalediwa wa tlotla, e leng Tona wa Dikago, Boranyane le Boitsaanape e bile e le mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofo Molefhi, a re ga go reye gore motho fa a aba o a bo a na le go le gontsi fela o a bo a gwetlhegile go bona letlhoko le batho ba bangwe ba tshelelang mo go lone. Rre Molefhi a re Batswana ba tshwanetse go itse fa thuto e tura mme e bile ditshenyegelo tsa yone di golela pele mo puso e ka sekang ya kgona e le nosi mme batsadi le dikhamphani tse di ikemetseng di tshwanetse go tsenya letsogo go thusa. Rre Molefhi o ne a gakolola batsadi ba ba gatakang ditshwanelo tsa bana ka dinao le go ba rontsha thuto gore molao o teng o o ka dirisiwang go ba tseela dikgato. O ne a kgala batho ba ba ikgatholosang kgokgontsho e e diragalang mo malwapeng. Banka ya FNB e ne ya abela bana ba sekole se sebotlana sa Botshabelo ba le 743 ditlhako tsa sekole fa kwa Robelela mo kgaolong ya Mmadinare ba ne ba le 219. E rile a tswa la gagwe, mookamedi wa FNB kwa Selebi Phikwe, Rre Lucky Bogopa a re ba simolodisitse lekalana la First National Foundation ka ngwaga wa 2001 mme maikaelelo e le go thusa fa go nang le letlhoko teng. Rre Bogopa a re FNB e ikemiseditse go thiba fa go supafalang go na le letlhoko teng, a re go simolola ka ngwaga wa 2001 ba setse ba dirisitse P40 million mo dithusong.Rre Bogopa e a re ngwana ga se wa motho a le mongwe fela mme mongwe le mongwe fa a leng teng o tshwanetse go tsaya maitlamo a go bona gore ngwana o gola e le motho yo o nang le boikarabelo gore a tsoge a na le boikarabelo,a re batsadi ba tshwanetse go netefatsa gore bana ba tsena sekole ka dinako tsotlhe. E rile a afa lefoko la kgothatso mothusa modulasetilo wa khansele-potlana ya Bobirwa e bile e le mokhanselara wa Mmadinare–Robelela Rre Sylvester Masweu, a re go sa kgathalesege gore ngwana o tswa mo lwapeng le le kwa tlase go le e kae o ka kgona go fitlhelela ditoro tsa gagwe mo botshelong. Rre Masweu a re batsadi le barutabana ba tshwanetse go tsaya ngwana mongwe le mongwe gore o ka nna le bokgoni mo ditirong tse di farologaneng, mme a tswelela a kgalema batsadi ba ba tlogelang bana go ya go nwa nnotagi go emisa go dira jalo ka ke yone nako e tiriso botlhaswa mo baneng e diregang ka yone. Bokhutlo education 4 Spekere sekgantshwane sa koma Nkatlang Maikano, yo o itsegeng ka leina la Spekere mo go tsa kopelo, a re mongwe le mongwe o na le talente e a e filweng ke Modimo. A re bangwe ke bommantswitswidi ba poko, bangwe ba go kwala fa ene e le sekgantshwane sa koma, e bile o ipelafatsa ka yone. O tlhalositse gore morago ga go sa dire sentle mo ditlhatlhobong tsa mophato wa boraro ka 2008, o ne a seka a ineela mme a simolola go binela Kgokgonono le Kganka. A re e rile ka 2015, a kopana le Kgagaripa, mme go kopana moo ya nna tshimologo ya loeto lwa gagwe lwa koma. “Ke godile ke rata koma, ke kopane le Kgagaripa a simolola go kwala kgatiso ya gagwe ya ntlha ya Go marara kwa Mmathethe, mme kgatiso eo ya nna yone e mphang moko le thotloetso ya gore ke gatise yame,” a tshwaela. Spekere o ne a gatisa kgatiso ya ntlha ka 2016, e e bidiwang Taxi man. Le fa a ne a le mosha, a re e ne ya dira sentle. “Kgatiso e e ne ya ntirela dimakatso, batho ba e reka ekare ba nwa metsi, mogala wame o sa kgale go lela, Batswana ba e reka ka botswapelo,” a tshwaela. A re setshaba se ne sa emisa go mmitsa Spekere mme ba mmitsa Taxi Man jaaka kgatiso eo. Spekere a re o ne a ya go diragatsa kwa moletlong wa Mmakgodumo Cultural Festival ka 2016, kwa go neng ga asha logong ga sala molora. A re e rile ka 2017, ene le Kgagaripa ba ikopanya go tlhama setlhopha sa koma sa Malau. O tlhalosa gore boineelo le lorato lwa koma lo dirile gore ba tlhame melawana go tsamaisa setlhopha gore se seka sa phutlhama, ka bontsi jwa ditlhopha di thubegile ka ntlha ya go tlhoka tirisanyo. A re setlhopha se ba se dirile ka maikaelelo a go rekisa Botswana kwa mafatsheng a sele, a tlhalosa fa ba nna ba diragatsa kwa Afrika Borwa. Spekerere o boletse gore morago ga go lemoga fa ba mafatshe a sele ba rata koma, ba itoma molomo wa tlase go diragatsa maikaelelo a bone a go bapatsa Botswana, ditso le ngwao tsa Setswana ga mmogo le koma e bontsi jwa Batswana ba ipelafatsang ka yone. “Koma ke yone e e re farologanyang le diopedi tsa dingwe mo mafatsheng. Re tswa go diragatsa kwa Lesotho mo moletlong wa Lesotho Cultural Festaival kgwedi e e fetileng fa kwa Zimbabwe re ya go diragatsa ka Moranang jaana,” a tlhalosa. O rotloeditse diopedi tsa mmino wa setso go itlhamela dipina, ba emise go tsaya tsa dikhwaere tsa bogolo ba bo ba di tsenya molotsana le moribo mme morago ba re ke tsa bone. A re go dira jalo ga se go itirela boammaruri e bile gape ke go digela boleng jwa kopelo ya mmino wa dikhwaere kwa tlase. O tlhalositse gore bontsi jwa diopedi tsa mmino wa setso di lela ka go tlhoka kemo nokeng ga setshaba. A re seo se dirwa ke ka fa ba dirang dipina ka teng. “Fa o dira sengwe le sengwe o tsentse marapo dinameng, o dira ka lorato, boitshoko le boineelo dipina o ka tlhama tse di monate tse di tlaa gwetlhang setshaba go go ema nokeng ka gore ba tlaa gogelwa ke ka fa o apeileng dipina tsa gago ka teng,” a tshwaela. A re bontsi jwa Batswana ba rata dipina tsa setso e bile le bangwe ba ipelafatsa ka tsone. arts_culture_entertainment_and_media 0 Temo thuo kgwebo Mogolwane mo ofising ya tlhabololo ya temo-thuo kwa Molepolole, Mme Lydia Dikura a re ofisi ya gagwe e rotloetsa balemi-barui go tsaya temo-thuo e le kgwebo go na le go jela mo ganong jaaka bontsi bo dira. A re go tsaya temo-thuo e le kgwebo go ka ntsha balemi-barui ba le bantsi mo lehumeng. O tsweletse ka go supa fa ofisi ya gagwe e thusa go ruta balemi-barui ka dithuto tsa go itshenkela mmaraka ga mmogo le gone go kgaoganya le go kala thobo ya bone ka maemo a a lebaneng. O kaile fa gape ba thusa balemi-barui ka go baya dibuka tsa kgwebo mo maemong a a siameng gore ba tle ba kgone go bona gore a go na le dipoelo kgotsa tatlhegelo, mme o kopile balemi-barui go senka kwa ba rekisang ditswa-temong tsa bone teng gore ba tle ba kgone go bona dipoelo tse di nametsang. Mme Dikura o supile fa ba thusa balemi-barui ka dithuto tsa temo ya merogo, thuo ya dinotshi, dikoko tsa mae ga mmogo le gone go ruwa dikgomo tsa nama le tsa mashi ka ebile lefatshe leno le tlhaelelwa ke mashi mo le a rekang kwa mafatsheng a a bapileng le lone. O kaile fa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo go lekeng go ruta balemi go fetolela temo-thuo mo kgwebong e le gore balemi ga ba tlhokomele temo ya bone sentle, o tsweletse ka go supa fa balemi ba sa kgone go paka le go batlela dithoto tsa bone mmaraka sentle gore di tle di kgone go phadisanya sentle mo mmarakeng, mme a supa fa bontsi jwa balemi e santse e le ba seemo se se kwa tlase. O supile fa balemi ba santse ba saletse kwa morago mo go ikopanyeng go dira dikoporase gore ba tle ba kgone go rekisa dithoto tsa bone go le motlhofo go na le go dira ka bongwe ka bongwe ka go ka ba turela go na le fa ba ba ikopantse. E rile a tswa la kgothatso Mme Dikura a kopa balemi go kopa dithuso mo ofising ya bone ka e eme malala a laotswe go thusa mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego mo go simololeng go tsena mo kgwebong ya temo-thuo. O bile a kopa botlhe ba ba setseng ba le mo kgwebong go dira ka natla gore ba tle ba bone maduo a a nametsang. economy_business_and_finance 3 Dikolo di Itemogela Tlhaelo ya Dijo Dikolo tsa Kgalagadi borwa tse di potlana di itemogela tlhaelo ya dijo e sale dikolo di bulwa. Mo potsolotsong le mogokgo wa sekolo sa Nhake Primary School mo Tsabong Mme Sophia Matthys a re e sale dikolo di bulwa bana gaba apeelwe sepe mo sekolong, a re ka kgwedi ya Hirikgong go ne ga tla setampa mme ya re fa se bulwa sa fitlhelwa se na le tshupa, are ba ne ba bitsa ba botsogo go tla go se tlhatlhoba mme sa busiwa. Mogokgo a re se se ba ketefaletsa tiro ka bana ba bangwe ba felela ba satle sekolong, bangwe ba robadiwa ke tlala ka batla sekolong ba sa ja sepe. Mogokgo Sophia Matthys a re ba ne ba bitsa pitso ya batsadi le barutabana gotla go bua ka mathata a a aparetseng sekolo sa bone, a re ba ne ba kopa batsadi gore ba direle bana mopako wa dijo fa batla sekolong, a re batsadi bangwe ba dira jalo bangwe gotlhelele ga ba kgone ka itsholelo e sa lekane. Mogokgo o ne a tlhalosa gape fa bana le bothata jwa go tlhaelelwa ke dibuka tsa bana tse di kwalelang , a re Khansele ga e tsise dibuka ka nako, a re se se ba pateleditse gore ba kope batsadi go rekela bana dibuka gore thuto e seka ya kgoreletsega. Morutabana wa sekole sa bana le bogole sa Special class Mme Malebogo Gabankafe a re le bone ba itemogetse tlhaelo e ya dijo, mme a re se ga se a ba ama thata ka bana batla sekolong sentle.BOKHUTLO education 4 Thuto ee tshwaraganetsweng e na le boleng Go rutega le go tlhabologa ga bana ba motse wa Salajwe go ka seke go atlege fa go beilwe fela gore seo e tla a nna maikarabelo a barutabana ba le nosi fa batsadi bone ba itshetse moriti o tsididi fela. Se, se boletswe ke mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng Bophirima Rre Ngaka Ngaka jaaka a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng wa Salajwe bosheng go lekola morafe le go tsaya megopolo go e isa kwa palamenteng e e tlang. Mopalamente Rre Ngaka a re go itshupile fa go le gantsi batsadi kwa gae ba itlhokomolosa go emela thuto ya bana ba bone ka dinao mme seo se felele se baka gore maduo a ye tlase ka jalo go bo go pegwa barutabana ba le nosi molato. A re thuto ee tshwaraganetsweng mo ngwaneng e nna ya boleng mme e bile le ditlamorago tsa yone ke tse di itumedisang, ka jalo a kopa botsadi jwa motse wa Salajwe ka kakaretso go bona gore ba ema ka dinao go aga bokamoso jwa bana ba bone. E rile a itebaganya le go dira bokoa ga dikole tsa motse wa Salajwe, Rre Ngaka a bolela fa a ne a itemogela fa dilo dingwe di ne di sa tsamae sentle kwa dikoleng tseo, dingwe tsa tsone e le gore dikole di ne di tletse thata ka barutabana ba nakwana ba ba sa rutelwang tiro go feta ba ba e rutetsweng. A re kwa sekolong sa magare sa Lempu, gone bothata jo bongwe e ne e le go onala thata ga sekolo mo go neng go setse go kgoreletsa thuto ya bana, a bolela fa a ne a ema ka dinao go batla tharabololo, ka jalo go tsweletswe ka go dirwa dipaakanyo kwa sekolong seo, a tlatsa ka go kaya fa gape le palo ya barutabana ba nakwana e ntse e ya tlase ka ya ba tlhomamo e simolotse go oketsega. Mo go tse dingwe Rre Ngaka o boleletse banni ba Salajwe fa tsela ya motse wa bone e tla a thapelwa rakonteraka yo a tla a nnang a e gopa kgwedi le kgwedi fa e santse e letetse go bonelwa madi a gore e tshelwe sekonotere jaaka fa ba kopa. O boletse fa mo nakong eno puso e santse e lwa le go swafatsa ditsela tse di onetseng jaaka ya Molepolole /Thebephatshwa le tse dingwe tse di mo seemong sa yone. Banni ba motse wa Salajwe ba ne ba ngongoregile ka go wela tlase ga maduo a bana ba dikole tsa motse wa bone mmogo le seemo sa tsela ya bone, ba bolela fa e kganelela kgakala ditlhabololo go tla mo motseng wa bone le gore babereki ba gana nnang wa banyana go tla go direla kwa motseng oo ntateng ya seemo se se maswe sa tsela eo, bogolo jang barutabana. Ba boleletse mopalamente wa bone gore ga ba kitla ba ipona tsapa mo go bueng ka tsela eo ka e ba rontsha go le gontsi fela thata mo matshelong a bone go akarediwa le go tlhabologa ga motse. E ne e rile a amogela baeng, Kgosi Moala Gaerupe a lekodisa mopalamente le banni fa ba tla a dika ba orile molelo wa mariga ka thobo mo masimong a bone e ne e nametsa morago ga go nelwa ke dipula tse di namagadi. Le fa go ntse jalo, o ne a supa matshwenyego ka fa bangwe barui ba ntshitseng masimo a bangwe mahudiso ka ba disetsa leruo la bone mo go one, a bolela fa go dira jalo go tshwanetse ga ema ka ponyo ya leitlho ka seo e a bo e le go senyetsa puso madimadi a e a dirisitseng go lemela balemi go ba inola mo lehumeng. Kgosi Gaerupe a re fa seo se ka tswelela se diragala, le ba boipelego ga ba kitla ba emisa go kwadisa batlhoki ba ba sha le mororo maiteko a go fedisa seo one a tshweletse. BOKHUTLO education 4 Gaborone Private Hospital e tswetswe Setshaba se itsisiwe ka go tswalwa ga sepatela sa Gaborone Private Hospital go simolola ka Labotlhano a le lesome le bobedi go fitlhelela ka nako e e tla bolelwang. Se se boletswe ke Mookamedi wa lekalana la botsogo, Dr Malaki Tshipayagae, fa a ne a lekodisa phuthego ya babegadikgang ka Labotlhano mo Gaborone. A re sepatela se se tswetswe ka gore go na le kgonagalo ya gore bolwetse jwa COVID-19, bo ka tswa bo tlhagogile kwa sepateleng seo. Dr Tshipayagae a re go tswalwa ga sepatela se, ke go leka go dibela botlhe ba ba ka eletsang go kopa ditirelo teng, gore ba se ka ba tsenwa ke bolwetse. Botlhe ba ba kileng ba etela sepatela seo, go akarediwa balwetse le babereki go tswa ka Seetebosigo a ferebobedi go fitlha Seetebosigo a le lesome le bobedi ba itsisiwe gore ba tshwanetse go tsena mo serubing selekanyo sa malatsi a le lesome le bone. Ba ba kopang ditlhaloso, kgotsa ba tsietsega ba rotloediwa go leletsa nomore ya 16649. Fa godimo ga moo, botlhe ba ba amegang ba tshwanetse go dirisa pampitshana (form) e batla a kwalelang mo go yone seemo sa bone sa botsogo ya (self-monitoring). Dr Tshipayagae o rotloeditse botlhe ba ba supang dikai tsa bolwetsi jo, go ikopanya le ba botsogo gore ba thusiwe. A re badiri ba botsogo ba aname le mafelo a a farologanyeng go latedisa ba ba ka tswang ba amane le mafelo a a belaelwang. Fa godimo ga moo a re e tla re mafelo ao a sena go itsisiwe ka se, a tswalwe, go wetsa ditlhotlhomiso le gore seemo se bepe. Ba ba setseng ba le mo sepateleng ba tla a tlhatlhobiwa go bona gore a ga ba amega, fa baoki batla tswelela ka go ba fa ditirelo. Dr Tshipayagae a re, se se botlhokwa ke gore batho ba idiwe go tsena le go tswa mo sepateleng, go hema go amega. O boletse gape gore ditlhotlhomiso di tla fefosiwa go itsa gore ditirelo tsa sepatela di amege ka lebaka le le leele. Setshaba se rotloediwa go tswelela ba sala morago melawana ya COVID-19 ka go tswelela ba tlhapa diatla, go arogana le go dirisa di mask, ka jaana seemo ga se ise se bepe mo kgaolong jwa borwa jwa Africa (SADC Countries). health 6 Ba ga itumelele lefelo la dipalamo tsa setshaba Tutume o sa tswa go amogela lefelo le le emelang dipalamo tsa setshaba. Lefelo le le simolotseng go dirisiwa ka kgwedi ya motsheganong le sa tswa go bulwa se mmuso ke tona wa tsa pereko le sele gae, rre Edwin Batshu yo e leng gape mopalamente wa kgaole eo. Mo potsolosong, bakgweetsi le bagwebi ba supile fa ba santse ba na le maikutlo a a sa welang ka tiriso ya lefelo leo. Rre Fanilo Jonathan yo o direlang mo lifelong leo, a thusa ka go kaela babalami le go ba thusa ka merwalo ya bone o boleletse BOPA gore lefelo lesopa fa dilo tse dingwe di tlhaela kgotsa disa felelediwa. Rre Jonathan o tlhalositse gore dilo ditshwana le meriti e mo go yone bapalami ba ka ikhutsang gab a letetse dipalamo e seyo. O tswelela ka gore tiro ya go rwala setshaba ga se diketo, a re ba simolola tiro ya bone malatsi otlhe ka nako y a makuku a naka tsa kgomo ere go ntse jalo ba golole bosigo thata. O buile gore se ga se jese diwelang ka mo nakong tse dingwe ba theogelela mo lefifing, ka go sena dipone tse di ka ba bonesetsang. Rre Jonathan a re ga a gane maiteko a puso mo go lekeng go tlhabolola lefatshe, a re a nne botoka ba lebelele tshireletso ya batho ba bone. A re mo diemong ditshwana le tse magodu a tsaya tshono ya go ka thukutha batho le go ba tseela dithuto tsa bone, mo mesepeleng ee diragalang bosigo gol le lefifi. Ga a mo tswa kgaba Rre Geofrey Tshwenyego yo e leng mokgweetsi wa dipalamo tsa Tutume Francistown, a re ne go ka nna gontle le go feta fa go ne go ka tsengwa matshwao a kayang lefelo le dipalamo di yang teng. A re le fa lefelo e le lele phuthologileng gona le le le neng le dirisiwa pele, bangwe ba ba seng mo kgwebong ya dipalamo tsa setshaba ba tsere tshono ya go dirisa lefelo le go neng go emelwa dibase teng go le pele. A tlatsa ka gore se se reketlhisa kgwebo ya bone gape se baya bapalami mo diphatseng ka bato ba go nna jalo ba sa sale molao morago. Fa a tswa la gagwe mme Dineo Badi yo e eleng mogwebi ka dithoto tse di farologanng a re ene seemo sa gagwe ke sese pharologanyo. O tlhalositse fa a akgolela puso maiteko a go shafatsa mafelo a tshwana le Tutume. Mme Badi a re kgwebo ya gagwe e nna le bareki go tshwantshangwa le pele. O boletse fa lemmenyana le a le bonang le tokafala. A re gape o kgatlhwa ke gore jaanong tikologo e a direlang mo go yome e phepa, a re lerole le tla ritibala moo go dire gore le dilwana tsa bone di kgatlhise matlho a baji bareki. O ne a gatelela go lekwe go tsengwa dipone, ka seo se ka thusa thata mo diemong tseo fitlhelalang go gololwa bosigo. BOKHUTLO politics 7 Khansele e akgolelwa maiteko Khansele ya bokone bophirima e akgoletswe maiteko a yone a go tokafatsa tlhokomelo ya baithuti ba ba tswang kwa metseng e e kgakala le ditlamelo ba ba tsenang sekoleng se sebotlana sa Xakao mo kgaolong ya Okavango. Motlhokomedi wa baithuti bao, Mme Phetso Masaya a re khansele e dirile go le gontsi ka jaana didirisiwa tsa baithuti jaaka dipaka le diaparo di goroga ka nako. A re mabela ga se a maloba ka jaana le dijo mo matlong a borobalo di goroga ka nako e bile seshabo se nna se le teng. O ne a iteela bogogi jwa khansele legofi jaaka bo ne bo etetse sekole seo go lekola botsogo le gone go utlwa dikgwetlho tse di lebaneng botsamaisi. Mme Masaya a re ba lephata la boipelego ba tshwaragane le bone go netefatsa gore baithuti ba bona ditshwanelo tsa bone, sebe sa phiri ke batsadi bangwe ba ba amogang bana diaparo, bogolo jang fa dikole di tswetse. A re fa bana ba boela sekoleng ba tla ba le makgasa fa ba bangwe ba tla ba apere diaparo tse di ba fetang. A re seemo seo se a tshwenya e bile se folodisa maiteko a khansele a go tlhokomela bana mme a ikuela mo botsading go emisa mokgwa oo. Mo dikgannyeng tse dingwe Mme Masaya o kopile bogogi jwa khansele go ba thusa ka ditsompelo tsa thuso ya potlako gore ba kgone go thusa baithuti ka dinako tsa dikgobalo. A re A re go ne go ka nna molemo gore ba fiwe ikatiso ya gore dithuso tseo di dirwa jang. E re dikgang di eme jalo, mothusa mogokgo, Mme Ngonye Totlego o ne a supa fa ba sa jesiwe diwelang ke bommamathwane le motlhwa. A re ga ba itse boroko ka jaana motlhwa o ja le tsone dibuka tsa baithuti tota. O kopile khansele go ba thusa ka molemo o o ka nyeletsang mmamathwane le motlhwa. E ne ya re a ba ema ka lefoko, mokwaledi wa khansele, Rre Mzondik Moswete a tlhalosa fa ba tlhaloganya dikgwetlho tse di lebaneng bodiredi jaaka tlhaelo ya matlo a boroko, a supa fa seo e le selelo sa kgaolo ka bophara. A re maiteko a a dirwa go batla ditharabololo ka puso e eletsa go bona bodiredi bo nna sentle e bile bo ntsha maduo. Fa a tsibogela kgang ya bommamathwane, Rre Moswete o boletse fa ba ne ba tlamega go emisa molemo o o nyeletsang bommamathwane ka jaana go supegetse fa monko wa one o le borai mo matshelong a batho. O boletse dikgwetlho tse dingwe di le bonya go tsibogelwa bogolo jang ka di batla madimadi, mme a kopa bodiredi go nna pelotelele a supa fa khansele e tlaa tswelela e leka fa go kgonagalang teng. BOKHUTLO politics 7 Modulasetilo o akgola Ipelegeng Modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo tsa Matobo mo kgaolong-potlana ya Tutume o akgotse ba ba tsentseng letsogo mo ditirong tsa Ipelegeng. E rile modulasetilo, Rre Sholo Mudaba, a bua mo potsolotsong, a tlhalosa fa motlhala wa lenaneo la Ipelegeng o bonala e bile maduo ke a nametsang le ditlhabololo di nna teng. Rre Mudaba o tlhalositse fa ditiro ka bontsi mo motseng wa bone di dirwa ka lenaneo la Ipelegeng. A re bontle jo bo bonwang kwa Matobo ke ka ntlha ya go dira ka tlhaga badire ba lenaneo leo direlang la Ipelegeng. Modulasitilo o tlhalosa gore le ntswa Matobo ele motsana wa batho ba palo e e tlalang seatla mme itsholelo e tla tokafala that aka tirisanyo mmogo e banang le yone e le banni. A re ka go nnna jalo maduo a ka nna aa kgatlhisang mang le mang. Modulasetilo a re Ipelegeng e dira ditiro ditshwana tsa go phepafatsa mafelo a tshwana le sekole,kokelwana le diofisi tsa bodirela puso. O tlhalositse fa mo bosheng ba boloditse ntwa kgatlhanong le bojang jo bo tlhogileng phetelela mo sekolong. Modulasetilo a re ba dira tiro e go fema dikotsi tsa gore bana le barutabana ba tlhaselwe ke digagabi tse di nnang mo tlhageng. O tlhalositse fa e se yone tiro fela e ba lenaneo la Ipelegeng ba e dirang, a re setlhopha se sengwe sa babereki se thusa ka go phepafatsa mo motseng jaaka sa Green Scorpion le go tsamaya ba gasa molaetsa wa bomosola jwa bophepa. A re se lenaneo le le se dirang setshwanelwa ke go ka galalediwa. O tlhalositse fa tsela ya bone e se e e boreledi fela. Rre Mudaba a re tse tsotlhe di atlega ka mowa wa boipelego e le ba motse wa Matobo. A re o dumela that gore ba kabo ba gata kgakala ka ditlhabolo sebe segolo ke gore ditlamelo ka bontsi jwa nako di goroga morago ga nako ee solofetsweng gape le seemo sa ditsela se nale seabe ka go na le ditiro tse dingwe tse di direlwang mo tseleng mme se se baya badiri ka fa mosing ka go sa babalesega mo bakgweetsing gotlhe le babereki. Rre Mudaba a re le ka nako ya dipula tsela ga e tsamaege. A re motsena wa bone ga o na sekolo se se golwane ka jalo ba dirisa sa Goshwe ko motseng yoo o mabapi wa Goshwe mme janong ga diemo tsa tsela di sa babalesega batsadi ba nna le maoto a tshupa go ya go tlhola bana kwa sekolong. O kaile diemo di tswana le tsa go tlhoka motlakase mo diofising tsa kgotla e le nngwe ya mathata a ba lebaganeng le one. A re mme le ga ba faraferwe ke mathata jaana ga ba nyeme moko ka motse e le wa bone. Ka jalo ba tswelela ba dira ka tlhaga le ka manontlhotlho. Mo godimo ga moo a re tota tshoso e rwelelng ya kgang ke go bona ba ntlafaditse motsana wa bone. Modulastilo one a akgola puso that aka maiteko a go fefosa ditlhaboloka lenaneo la ipelegeng ntleng le moo, batswna ba bona lemmenyana go ka totobisa dikgwetlho tsa botshelo. BOKHUTLO society 9 Sengaparile teemane ya Kokotsha lick to see more pictures Ntswa paka ya mariga e tshabelwa, serame bogolo jang ke bomaja-ka-thata ba ditiro tsa diatla, kwa Kokotsha paka e, e ratega thata ka e le yone e banni ba dirang madi ka setlhatshana sa sengaparile. Sengaparile se ka sekgoa se bidiwang Sengaparile ke segwere se se fetang tapole mme se le boleele jwa letsogo, se le setuba ka mmala, mme fa godimo ga mmu go motang. Go simolola ka Seetebosigo, banna le basadi ba a bolola mo motseng ba tsena ka sekgwa, dikhilomithara di le lesome go tswa mo Kokotsha go ya mo dipolasing tse di kwa morago ga motse. Jaaka ba ba kgetlang bojang mo tseleng ya A1, lefelo le, le kgabile ka mekhukhu ya ba ba ileng go epa Sengaparile. Moepo o, ke moepo o o faphegileng ka ba bolola go simolola Seetebosigo a rogwa go fitlha Phukwi a ya fifing. Ntswa kgaolo e ya Kgalagadi e itsewe e le sekaka, go setse go bonetse fa kgaolo e e humile di-tsa tlholego di le mmalwa jaaka morama, mahupu, madiholo gareng ga tse dingwe tse di nang le boleng. Mongwe le mongwe ke fa a lebagane le lefuti la gagwe, ba ipapanne ka beisane ya senke e e dirisiwang go katolola mmu go ntsha digwere le kepu e tshesanyane e e epang fa ba boneng setlhatshana sa sengaparile se se kayang gore segwere kana digwere di kwa tlase. Basadibagolo ba eme sentle ka marokgwe le menangaso go ipabalela mo mitlweng le tlhaga e e babang. “Sengaparile se humile matute mangwe a a dirisiwang go dira melemo le dipilisi ya sekgowa e e fodisang malwetse a a farologaneng. Dipatlisiso di supa gore segwere se se tumile ka go fodisa madi a matona, go tlhatswa setlha, go tlhatswa diphilo, go fodisa tlhogo e e opang, go lwantsha malwetse ka go farologana le gone go fodisa mangole a a batlhoko le go fokotsa mogote mo maseeng,” ga bua mme Nanikie Mogaga a tsenyeditse letsogo kwa teng ga lefuti la selekanyo sa mmithara mme a tloga a ntsha segwere kwa tlase a se tlhotlhora mmu a se baya sentle. A re segwere se se dirisiwa ka methale e e farologanyeng e le molemo mme se ka silwa go nna boloulou se bo se kongwa hela jaaka Gape a re se kgona go tsenngwa mo metsing se bo se nowa mme e bile gape se kgona go tlhatlewa se bo se nowa jaaka tee mme se tlhatswe teng ya motho. O tlhalosa gape gore go epa sengaparile ke namane e tona ya tiro mme e batla motho a itumile molomo wa tlase. A re tiro e ga e batle motho yo o matlho a boroko e batla motho yo o nang le boitseanape jwa go sika ka gore ka nako e ditlhare di a bo di shele mme le phefo e abo e simolola go tlhaba, ka jalo ga se bonale motlhofo mme se ka bonwa fela ke yo o nang le kitso ya popego ya sone ka nako e. Fa se epiwa ba simolola pele ka go sika kana go batla motang. Gaufi le ene Mme Cathrine Mogaga yo le ene a neng a tlhantlhetse ka go epa segwere, o tlhalosa gore kitso ya go se epa ba e amule mo batsading ba bone ka ba tswa goo Lowe ba epa sengaparile ngwaga le ngwaga. A re tatso ya segwere se e botlhoko e tshwana le mokgwapha mme fa se fiwa ngwana yo o sa tsogang go tsenngwa sukiri kana tsina go fokotsa botlhoko jo. A re dikitso tsa batlapele di supa gore segwere se se fokotsa ditlhabi mo mmeleng fela jaaka pilisi ya Mme Mogaga a re boleng jwa segwere se bo sale bo itshupa go tswa bogologolong ka batho ba ne ba tswa bokgakaleng jwa Bokspits ba se latela kwa Kokotsha le metse e e mabapi go se reka. Ka jalo a tlhalosa gore ba ne ba tsweledisa thuto ya batsadi mme ba tswelela ba epa segwere se ba itshetsa ka sone. A re malatsing a gompieno go na le ba ba se rekang mo go bone ba tswa kwa mafatshing a a mabapi. Baepi ba fa ba sena go epa segwere se ba se kgabetlelela bosesane. Go tsweng foo ba a se anega go se omisa mme fa se sena go oma ba se olela ka dikgetsi go se isa mmarakeng ka Lwetse. Rre Tities Manyoro a re go epa setlhare se go tlhoka teseletso e ba e kopileng kwa lephateng la tshomarelo ya dikgwa. A re bontsi jwa bareki ke batswakwa mme kgetsana ya 50kg e kgona go rekwa ka P1 400 fa e tletse sentle e titietswe. A re ka dipoelo tsa sengaparile ba tlhabolola matshelo a bone, ba ikagele, ba tlamele malwapa a bone le go tsenya bana dikole. Moepi yo a re segwere se ke makgonatsotlhe ka se dirisiwa gape le mo loruong, ka go se tsenya mo furung ya leruo go itsa malwetsenyana kana mo metsing a leruo fa le na le dikai tsa bolwetse bongwe, mme morago ga foo le fole. Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa pele wa khansele ya Kgalagadi yo e bileng e le moitseanape wa tsa dipatlisiso le go dira kgwebo ka dibapalwa nageng Rre Meleko Thumpe a re o rotloetsa batho gore ba dirise di-tswa mmung go itshetsa. A re sengaparile se bogadi bo gaufi ka se rekwa ka madi a mantsi go lebilwe boleng jwa sone. Ka jalo a re batho ba tshwanetse ba bula madirelo go dira dipilisi mo gae ba dirisa sengaparile go na le go se rekisa se sa tlhabololwa ka tsela epe ka gore go dira jalo go ka seke go tsenye madi a mantsi. A re gore se ntshe madi a a botoka mme e bile gore se tlhamele Batswana ditiro se tshwanetse sa epiwa sa bo sa tlhabololwa mo gae. Rre Thumpe a re go tshwanetse ga nna le gore go sekasekwe boleng le methale e e dirisiwang go se epa le go se isa kwa mmarakeng gore go elwe tlhoko gore ke jo bo siameng go itsa gore se seka sa nyelela. Ka jalo a rotloetsa gore fa go sena go epiwa digwere go tshwanetse gore go epelwe segwere gape mo teng ga lehuti le go ntshitsweng mo go lone gore se tle se tswe gape ngwaga e e tlang. A re makalana a a tshwanang le Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA) a teng mme e bile a supa gore a ka thusa, ka jalo go botlhokwa gore go tlhatlosiwe dikakanyo gore tsotlhe di dirwe mo gae gore banni ba tle ba bone dipoelo tse di rileng. O rotloeditse gore, gore di-tswa mmung tsotlhe e bong ditlhatshana le one maungo a naga tota Batswana ba tshwanetse ba tsibogela go di bapala mo nageng, go di tlhabolola ka go dira sengwe se se mosola ba bo ba rekisa kwa ntle ga lefatshe e seng go se rekisa go sa dirwa sepe ka se ka seke se tsenye madi a mantsi mme se nne le seabe se se nonofileng mo go kabakanyeng itsholelo. A re go somarelwa ga sengaparile go botlhokwa mme e bile gape se ka lengwa mo tshimong gore se nne se le teng nako le nako mme se lengwa ka tsone digwere kana ka peo go tswa mo leungong la sengaparile. economy_business_and_finance 3 Tona o lemotsha setshaba ka diphetogo tsa molao Tona wa Itshireletso, Molao le Thokgamo, Rre Shaw Kgathi o lemotshitse banni ba Mmathubudukwane le Malolwane ka diphetogo tsa melao e e fetisitsweng kwa palamenteng. E rile a bua mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng eo kgwedi eno e tlhola lesome, o ne a tlhalosetsa morafe fa go le botlhokwa gore diphetogo tsa melao tse di dirwang kwa palamenteng setshaba se di itse gore ba seka ba iphitlhela ba tlotse melao eo mme ba tsena mo mathateng. A re palamente e ne ya dumalana ka phetogo ya molao wa dingwaga tsa tlhakanelo dikobo le bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga 18. Tona Kgathi a re dingwaga tseo e ntse e le 16 mme jaanong di okeditswe go nna 18, se e le tsela ya go sireletsa bana, bogolo jang ba basetsana. A re puso e tshwentswe ke dipalo tsa bana ba ba tlogelang sekole ntateng ya boimana, mme molao o o tlaa thusa gore ba kgone go fetsa sekole. A re kotlhao ya molato o e tona ka e simolola ka dingwaga tse di lesome go ya kwa godimo. Tona Kgathi o ne a kopa borre gore ba ikgaphe mo baneng ba basetsana ka go disa poo e se selo se se monate gotlhelele. Tona gape a re palamente e dumelane go nonotsha molao wa tiriso ya maranyane a Internet go emisa borukhutlhi jo bo amanang le one. Tona Kgathi a re molao oo, o direletswe go sireletsa setshaba kgatlhanong le bokebekwa le tiriso e e sa siamang ya maranyane ao. A re mo nakong e e fetileng go ne ga nna le tiragalo ya thobalano, mme ya anamisiwa le Facebook mme molao oo o ya go othaya botlhe ba ba dirang jalo, mme yo o bonwang molato o tlaa atlholwa P40 000. Rre Kgathi a re go dirisa matlhapa mo maranyaneng, katlholo ya teng ke P20 000, mme gape yo o ka dirisang mafoko a go nyatsa letso la motho yo mongwe o tlaa atlholwa P40 000 kana ngwaga tse pedi mo kgolegelong. Tona o ne gape a kopa merafe ya metse eo go emisa go tlolela kwa Afrika Borwa mo mafelong a a seng ka fa molaong. O ne gape a kopa balemi ba ba okeditseng masimo a bone kwa melelwaneng go a baakanya ka jaana selo seo se kganela makgotla a itshireletso go tsamaya ba kanoka molelwane ka phuthologo, mme a ba itsese fa tshimo e tshwanetse ya nna dimmitara di le 150 go tswa mo molelwaneng. Modulasetilo wa tsa itshireletso kwa Mmathubudukwane, Mme Naomi Lekgabe o tlhalositse fa ba sepodisi sa motse oo ba sokola fa ba direlang teng. O lebogetse baithaopi ba sepodise, ka a tlhalosa fa ba thusa go kganela bogodu mo motseng, mme a kopa gore ba okediwe gore tiro ya bone e kgone go tokafala. Mme Lekgabe o boletse fa banni ba sokola ka go sena koloi mo motseng, mo go felelang go baka kgoreletsego ya dithuso mo go ba sepodisi ka ba felela ba sa goroge ka nako fa go tlhajwa mokgoosi. Modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse wa Malolwane, Rre Mothusi Fikeng o boletse fa ba tshwenngwa ke letlhoko la metsi mo motseng. O boletse fa ditanka tse di beilweng mo motseng le tsone di kgona go nna di sena metsi mme go sena kitsiso epe e ba e fiwang go tswa go ba lephata la metsi. Rre Fikeng o boletse fa letlhoko la dikoloi tsa sepodisi le tshwenya. Kgosi Michael Balebetse o kopile banni ba motse go sala ditsamaiso morago fa ba tlola molelwane. O boletse fa nako ya go ipata ka go tlhoka go itse molao e setse e siilwe ke nako, mme e bile e sa thuse ope ka katlholo e tlaa nna teng. Kgosi Esron Bogatsu o boletse fa sekole sa Rankoa se na le dingwaga tse pedi se sena mogokgo, mme e bile maduo a sone a tsweletse ka go wela tlase. O kopile tona go kopa lephata la thuto go tokafatsa seemo kwa sekoleng seo ka se ama bana le barutabana. Kgosi Bogatsu o boletse fa maitiso a dinotagi a le modumo o o kwa godimo mo go kgoreletsang batho go robala mme go sena sepe se se dirwang ka seemo seo. O boletse fa banana ba sena maitsholo a a itumedisang ka mabaka a go nwa mo go feteletseng. BOKHUTLO politics 7 Bana ba tlhoka thuto ba sa le babotlana Mogokgo wa sekole sa bananyana sa Kgodisong Centre kwa Kanye, Rre Ofentse Solomon, a re go botlhokwa go neela ngwana motheo wa thuto a santse a le mmotlana. A re go dira jalo e tlaa bo e le go mo tlhagolela tsela go tswelela sentle le dithuto tsa gagwe go ya pele. Rre Solomon o buile se fa a amogela baithuti ba pele ba sekole se segolwane sa Seepapitso ba Class of 1997 ba ba neng ba rolela sekole seo tiro e ba ntseng ba e dira ya go penta sekole sa bananyana sa Kgodisong Centre. Rre Solomon a re sekole sa Kgodisong Centre ke sa phuthego ya UCCSA a tlhalosa fa se amogela bana go tswa ka dingwaga tse pedi le sephatlo go fitlha ka tse thataro, a re go bo ba amogela bana go tswa ka dingwaga tse pedi le sephatlo ke gone go rotloetsa thuto ya bana ba santse ba le babotlana. A re fa bana ba simolola sekole ba le babotlana go nna molemo thata ka ba golela mo go sone mme seo se ba rotloetse go rata thuto, a re seo se alafa seemo se mo go sone bana bangwe ba tleng ba tlogele sekole kontle ga mabaka ape. O tlhalositse gore sekole seo se amogela bana ba masiela, ba batlhoki, le ba balwetsi ba ba sa itireng sepe, jaaka balwala tlhaloganyo, a tlhalosa gore mme pele ga bana ba amogelwa mo sekoleng seo ke gore batsadi ba tsene pele ka khansele. Rre Solomon a re bana ba dingwaga tse pedi le sephatlo fa ba amogelwa mo sekoleng seo ba abo ba santse ba ithuta puo mme fela ka bonako ba kgone go tlhalosa puo selo se a reng ke go supa kgatelopele ya sekole sa gagwe, a tlholosa fa ba tshwaragane le ba Ramatea Vocationa Training. O buile gore ba na le letlhoko la ditsompelo a tlhalosa gore fa e ne e se ka seemo se bana bangwe ba kabo ba fiwa boroko mo sekoleng ka gore ga ba nne sentle kwa malwapeng a bone. Fa a tswa la gagwe mme Ogaufi Tafa go tswa kwa ofising ya CEDA, o ne a akgola baithuti bao ba pele ba Seepapitso Class of 1997 a re ba dira tiro ya botlhokwa ka seo e le go tsweledisa Vision 2016 ka se ba se dirangb e le go diragatsa letshego la tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala, a ba a leboga thata a re go lesego letsogo le le abang gona le le le amogelang. Moeteledipele wa mokgatlho oo Rre Peter Mopati o tlhalositse fa mokgatlho wa bone wa Seepapitso Class of 1997 o simologile ka ngwaga wa 2012 mme wa kwadisiwa ka ngwaga wa 2014 kwa go ba kwadiso ya mekgatlho. Rre Mompati a re ba o simolotse ka mabaka a gore ba itsanye le go rwadisanya merwalo e ka tswa e le manyalo kgotsa loso, a re gape ba ikemiseditse go dirisanya le morafe wa Kanye le metse e e mo tikologong ya Kanye. A re gape ba ikemiseditse go tsena diphuthego tsa kgotla go ithuta ngwao, gammogo le go thusana le barutabana ba sekole se segolwane sa Seepapitso, go bopa botho jwa baithuti ba sekole seo. education 4 Bothatogo o a ikuela Banni ba Bothatogo ba ikuetse mo pusong go tlhabolola tsela e e gokaganyang motse wa bone le wa Toteng. Ba ikuetse jalo mo phuthegong ya kgotla ba supa fa seemo sa tsela eo se sa ba jese diwelang ka jaana e sa tsamaege. Ba re e re ba itse fa letlhoko la madi e le mmaba, bogolo puso e sekaseke go tshela lokgarapana mo tseleng go e tokafatsa . Kgosi wa motse, Kgosi Gakebonwe Leduledi a re tsela eo e ba beile ka fa mosing ka jaana le dipalamo tsa setshaba di seo ka ntlha ya seemo sa yone. A re bangwe mo motseng ba ne ba ithaopile go thusa morafe ka dipalamo mme ba emisitse ka jaana beke le beke ba tshwanelwa ke go baakanya dikoloi tsa bone. O tsweletse a re tsela eo e tletse matlapa mme a kopa gore puso e tsiboge ka seemo seo se ama le yone itsholelo ya motse. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Masedi Orapeleng o ne a iteela kobo moroko a bua ka seemo sa tsela mme le ene a kopa gore e potlakelwe. Fa a lekodisa ka ditlhabololo tsa motse, o boletse fa ba itumelela maiteko a puso a go tokafatsa matshelo a banni mme a supa fa mananeo mangwe a tla ka bonya a nankola mananeo a LIMID le la banana. Rre Orapeleng o ne a supa fa ditiro tsa madi a dikgaolo di tsweletse mo motseng a re ba ne ba kopile ntlo mme e setse fela ka go rulelwa. A re ngwaga ono wa madi ba kopile go agelwa lebentlele la marekisetso a nama. O ne a lela gape ka tlhaelo ya dipompo mo motseng are bontsi di tsetswe mme go bereka e le nngwe ka jalo seo se raya go re bangwe batlaa felela ba aga metsi mo lecheng la Lake Ngami jaaka le setse le simolotse go tshela ba tshaba go tsamaya sekgele go batla metsi. O ikuetse mo go ba koporase ya metsi go bula dipompo a re go nwa metsi a noka ga go a siamela botsogo. Fa a fetola, mogolwane wa koporase ya metsi Rre Lebani Lebani o boletse fa tshwetso ya go tswala dimpompo e dumalanwe ke morafe morago ga go lemoga fa metsi a sa dirisiwe sentle e bile le dimpompo di sa tlhokomelwe. A re bangwe ba ne ba gelela metsi bosigo go nosa leruo le ntswa metsi ao a diretswe go nowa ke morafe mme ka jalo ba bona go le botoka go tswala dipompo dingwe. O boletse fa banni e le bone ba itlhabileng ka thipa mpeng ka go tlhoka go somarela thoti e e teng. society 9 Puso e tokafatsa melawana ya dikomiti tsa ditlhabololo Puso e tokafaditse melawana e e tsamaisang dikomiti tsa metse tsa ditlhabololo morago ga gore dikomiti tse di farafarwe ke dikgang tse di neng di tlhokisa puso boroko. Mothusa Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso,o buile se fa a ne a buisa maloko a dikomiti tsa metse tsa ditlhabololo tsa kgaolo ya Mogoditshane ka Labobedi. Dikgang tse di amang dikomiti tse di akaretsa go kubetsana ga maloko, go tlhoka go fela ga ditlhabololo tse di simolotsweng ke dikomiti morago ga lebaka la bone la boithaopo le fela, dikoloto ga mmogo le tiriso botlhaswa ya madi. Mothusa tona o kaile fa tlhatlharuane ya dikgang tsa methale e, e le tsone tse di bakileng gore puso e tle ka melawana e maikaelelo a yone e leng go fedisa dikgang tse. Mengwe ya melawana e, e tona a bolelang fa e tserwe mo molaong wa tsamaiso ya ditlhabololo tsa magae e akaretsa tsamaiso ya boloko jwa dikomiti. Mme Tshireletso o tlhalositse fa sebaka sa boloko se okeditswe go tswa mo dingwageng tse pedi go tsena kwa go tse tharo. A re puso e dirile se ka lebaka la gore bontsi jwa ditlhabololo tse di neng di simolodisiwa ke dikomiti di ne di salela kwa morago fa lebaka la maloko le sena go ya bokhutlong. Le fa go ntse jalo, a re maloko a dikomiti tsa lefatshe ka bophara ke one a kopileng puso go atolosa lebaka la boithaopo go tsena dingwaga tse tharo gore ba kgone go fitlhelela maikaelelo a bone ba sa kgopakgopediwe ke sepe. Mo go tse dingwe, tona o tsibositse maloko a dikomiti tsa ditlhabololo gore dikomiti tse jaanong di ka fa molaong, ka jalo go na le kgonagalo ya gore dikomiti di ka sekisiwa kgotsa tsa sekisa. Tona o bile a gatelela ntlha e ka ebile dikomiti tsa ditlhabololo di aparetswe ke mathata a go phutha dikoloto tsa matlo a tsone. O tsweletse gape a tlhagisa bao ba ba dirisang madi botlhaswa gore melawana e mesha e letla batho ba go nna jalo go ka sekisiwa. Le fa go ntse jalo mothusa tona o kopile bodiredi go tlotla maloko a dikomiti tsa ditlhabololo mme le bone gape ba itseye tsia ka puso e ba file boikarabelo jwa go atolosa ditlhabololo tsa metse. Mme Tshireletso o ngongoregetse go tlhoka go tsena diphuthego ga maloko a dikomiti tsa ditlhabololo a tlatsa ka gore bontsi jwa bone ba tsena diphuthego fela fa go na le lemmenyana. O kgadile thata mokgwa oo ka a re seo ga se supe mowa wa boithaopo. Le fa go ntse jalo o kopile dikgosi le makhanselara gore ba kope morafe go tsena dikomiti tse go direla setshaba. E rile ba tswa la bone, maloko a dikomiti tsa motse tsa ditlhabololo ba ikuela mo go tona ka dikatso tse di tlang nako e setse e fetile. Bangwe ba re ba kgona go tsaya dikgwedi tse tharo go ya go tse di boferabobedi ba sa atswiwe. Ba boile gape ba kopa puso go oketsa dipalo tsa badiri ba Ipelegeng tse ba reng di kgaotswe mo ngwageng ono wa madi. Ba ikuetse gape mo go tona ka tlhaelo ya didirisiwa ba supa fa letlhoko la didirisiwa le baya botsogo jwa bone mo diphatseng. BOKHUTLO politics 7 Bojammogo e kopelwa dithuso Kgosi ya Gakuto mo kgaolong ya Kweneng, Rre Abul Letlamma o akgotse mokgatlho wa bomme wa Bojammogo o o dirang tiro ya diatla ya go loga, go roka, go taka le go betla go bo ba tsweletse ba le moko o thata ntswa ba tlhaela ka ditsompelo. Kgosi Letlamma o kopile baagi ba motse oo le setshaba ka kakaretso go rotloetsa mokgatlho wa Bojammogo ka thuso nngwe le nngwe e ba ka e kgonang, e le madi kgotsa didirisiwa tse ba ditlhokang. O buile jalo mo bosheng mo potsolotsong. Fa a akgela, mmapatsi mogolo wa mokgatlho oo, Sekhala Ramphala o boletse gore mokgatlho wa bone o simolotse ka Motsheganong ka ngwaga wa 2011 ba gwetlhilwe ke mmaboipelego wa bone, Mme Julia Tshwenyego. Mme Ramphala a re ba simolotse ba le lesome le borataro ba na le borre ba le babedi mme, jaanong bangwe ba setse baikemetse ka nosi mo dikgwebong tsa bone ka ba ne ba thusiwa ke ba lephata la thuto gaegolelwe. O tlhalositse fa go tlhoka lefelo le ba direlang mo go lone le koloi e e ka neng e ba tsaya e ba isa kwa ba kgetlang tlhatlha e e logang ditlatlana, e le kgwetlho e e bakileng gore maloko mangwe a nne dinao di tsididi. Mme Ramphala a re o lebogela ba lephata la Thuto-Gaegolelwe go ba tlhatlhelela dithuto tsa nakwana mme a re ga go ise go lekane ka ba tlhoka go rutuntshiwa gore e re fa ba dira ditiro tsa bone ba bo ba na le boitseanape jo bo tlhabologileng. A re maikaelelo magolo a mokgatlho wa bone ke go thusa batho go intsha mo lehumeng la nta ya tlhogo le go itsa setso le ngwao go nyelela. “E rile re lemoga fa re tshwenya mmaboipelogo ka botlhoki jwa malwapa a rona e bile re bereka Ipelegeng, e le yone re sutelanang mo go yone, ra iphutha mme mmaboipelego a tswa leano la gore re itlhamele mokgatlho o o ka re thusang go nonotsha ditalente tsa rona,” Mme Ramphala a bolela. Mmaboipelo Tshwenyego ene o ne a tlhalosa fa maiteko a setlhopha seo a setse a bonala ka go setse go na le bangwe ba ba gapileng dikgele tsa go loga ditlatlana kwa ditshupong tsa kgaolo ya kweneng. Mme Tshwenyego o ne a gatelela gore mokgatlho ga o gole ka ntlha ya letlhoko la dikoloi, a re tsa puso di kopiwa ka mokwalo mme go tsaya nako gore ba thusiwe. Mongwe wa maloko a Bojammogo Mme Dipuo Radipela, o ne a tlhalosa fa ba sa kgone go rekisa ditlatlana tsa bone motlhofo. A re bontsi jwa bareki ba di reka ka tlhotlhwa e e kwa tlase ntswa ba wetse dingalo ba di loga. Mme Dipuo Radipela a re ba kgetla tlhatlha e ba logang ka yone kwa dinokeng tsa Molepolole le Kumakwane a re ba patelesega go tsamaya ba le setlhopha ka go sa sireletsega. Mmapatsi mogolo wa mokgatlho, Mme Ramphala o boletse fa ba bapaleditse lenaneo la Sedibeng, Botswana Craft le National Museum dithoto tsa bone mme go bokete ka gore ba dira dithoto tsa boleng jo bo kwa tlase tse di sa okeng bareki. Mme Ramphala o kopile bagwebi go thusa mokgatlho wa bone ka didirisiwa di tshwana le dimao tse di rokang kgotsa di loga, diwulu le dibaga. “Re kopa le gone go atumelediwa tlhatlha ya boleng jo bo botoka e e bonwang kwa Etsha,” Mme Ramphala a kopa. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Bana ba itumelela dijo Go bolelwa fa Matlhatso mangwe le mangwe bana ba kgotla ya Manyanda kwa Tonota ba akola dijo go tswa mo mokgatlhong wa International Hope in Mission. Go ya ka moeteledipele wa mokgatlho o, Mme Deborah Shirek moono wa bone ke go diragatsa lefoko la Modimo le le rotloetsang gore batho ba thusane. Mme Shirek, yo e leng leloko la kereke ya The Rock International a re o tswa kwa Amerika le ba lelwapa la gagwe ka maikaelelo a go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Mme Shirek o tsweletse a re ba simolotse lenaneo la go abela bana dijo ka 2007 mme ba thusiwa ka madi ke dikereke le mekgatlho e e farologaneng. Le fa go ntse jalo, Mme Shirek a re go na le batho ba ba kgonang go ithaopa ba ntsha mo ba go kgonang go tsweledisa lenaneo le. A re ba tlhophile kgaolwana ya Manyanda mo Tonota ka e le yone e go lebegang e na le batho ba bantsi. A re tiro e, ga a e dire ka bonosi mme o tshwaragane le bagolo bangwe ba motse ba ba ithaopileng go nna ba tla go apeela bana. Mme Kedibonye Ntwaetsile yo e leng mongwe wa baithaopi, a re o dira tiro eo ka botswapelo ka gore o itumedisiwa thata ke go bona monyenyo wa bana bao. Mme Ntwaetsile a re go le gantsi bana ba ba tlang go akola dijo tseo ke ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi. O boletse gore mo dingwageng tse a ntseng a dira le mokgatlho o, palo e ntsi ya bana ba ba kileng ba ya go akola dijo tseo e feta makgolo a mararo. O tlhalositse gore mokgatlho ga o tlhaole gore go tla bana ba ba tswang mo malwapeng a mofuta ofe mme ngwana mongwe le mongwe o letlelesega go akola dijo tseo fa fela a tswa mo kgotleng ya Manyanda gonne kgang kgolo ke go tlisa monyenyo mo difatlhegong tsa bana bao. Mongwe wa banana ba ba ratang go ya kwa kgotleng ya Manyanda ka Matlhatso Mme Lesego Keemenao a re ene kwa ntle ga dijo tse di monate tse ba di abelwang, o itumelela thata go tlhola a tshameka metshameko e e farologaneng le balekane ba gagwe mme go dira jalo go mo sidila tlhaloganyo gape go dira gore a ikgaphe mo go tse di sa siamang. society 9 Puso e lemoga seabe sa bo ralekgotla Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo ya Magae, Rre Peter Siele a re, puso e lemoga seabe se sentle se se dirwang ke bo ralekgotla go ralala lefatshe leno. O buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Magoriapitse bosheng, a tlhalosa fa boralekgotla ba dira tiro e kgolo ya go tima melelo mo makgotleng a bone pele ga dikgang di ka ya go fitlha kwa makgotleng a magolwane fa di padile. Tona Siele a re mo nakong ya gompieno go nale bo ralekgotla ba le 351 ba e tla a reng ngwaga wa madi o o tlang, ba simolole go atswiwa ka lemmenyana ele go lebogela seabe sa bone mo setshabeng. Rre Siele o ne a fetola Rre Gaolape Ikgopoleng, yo o neng a kopa gore puso e ba sekasekele dikatso, a ba a tlhalosa fa a sale a dira tiro eo dingwaga tse masome mabedi tse di fetileng, ka boithaopo. Bokhutlo politics 7 Dikgomo di robile masimo kwa Malwelwe Balemi ba Malwelwe mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba mo selelong ka dikgomo tse di ba senyeditseng kwa masimong ba lebile go roba. Fa ba bua mo potsolotsong , mongwe wa balemi ba motse oo Mme Tshwanelo Ramatokwane a re o ne a na le magapu a mantsi a a neng a ikaeletse go a rekisa go kgona go itshetsa, mme a tlhalosa fa dikgomo di a nyeleditse ka ponyo ya leitlho. Mokhanselara wa motse oo, Rre Lefty Ramotswai a re dikgomo ga di senyetse balemi fela mme di senyetsa puso ka ke yone e ntshang madi a mantsi go lemela batho. Rre Ramotswai a re go senya ga dikgomo go felela go dira gore balemi ba felele ba roba mabele a ise a wele go butswa ka letshogo la go felela ba itshwere melomo. O tsweletse a bolela gore se se utlwisang botlhoko le go feta ke gore molemi o kgona go tswa kgakala a isa dikgomo kwa lekgotleng mme a fete a busiwe gotwe a ye go senka mong wa tshipi e e mo dikgomong, a tlhalosa fa seo se a bo se bolelelwa bagodi ba ba sa itseng le gone go bala. A re bodiredi le bogosi ba motse wa Malwelwe ga ba tseye balemi ka tlhoafalo mme se se tla felela se dira gore balemi ba itseele molao mo diatleng.O tlhalositse gore selelo seo sa majo a dikgomo ga se mo motseng wa Malwelwe fela mme se fitlhelwa le kwa Ngware, Diphuduhudu le Maratswane. Rre Ramotswai a re fa puso e sa tsenye letsogo go rarabolola seemo mo metseng eo, banni ba tla felela ba nna le boitseme jwa go sola mosola mananeo a puso a a ntshang batho mo lehumeng a tshwana le bo ISPAAD. society 9 Banni ba letile tsela le motlakase Banni ba metse ya Mmakgori le Dikhukhung mo kgaolong ya Barolong ba tlhalositse fa tsela e e lomaganyang metse ya bone e se mo seemong se se itumedisang. Ba buile jalo mo diphutegong tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya bone e bile e le Tona wa Meepo,Kgothetso le Metsi, Rre Kitso Mokaila fa a ne a ile go ba lekola bosheng. Ba tlhalositse fa ba sale ba solofediwa go tsenyediwa sekontere , godimo ga moo ba re tsela eo e ba baya ka fa mosing ka le badirela puso ba gana go tla go berekela mo metseng ya bone ka ntlha ya tsela eo. Mo kgannyeng ya motlakase ba boleletse Mopalamente wa bone fa ba tlhokana le motlakase le bone fela jaaka batho ba dikgaolo tse dingwe. Ba re mo malatsing a segompieno motlakase ke one botshelo. Banni ba Dikhukhung bone ba lela ka letlhoko la metsi, le ba reng le ba apesitse kobo ka letshoba. Ba re ba kgona go nna malatsi a le mantsi ba sa bone metsi mme ba kopa Tona go tsibogela kgang e ya metsi. Le fa go ntse jalo ba motse wa Mmakgori bone ba ne ba leboga ba koparase ya metsi, ba kaya fa seemo sa metsi se tokafetse mo motseng wa bone. Mme ba ne ba ngongorega ka lenaneo la banana, le ba tlhalosang fa bontsi jwa banana mo motseng ba sa le ba supa fa ba sena kitso ka lenaneo. Le fa go ntse jalo ba ne ba leboga puso go bo e ba fa dipeo mahala mme ba tlhalosa fa seo e le maiteko a mantle fele thata. Mo godimo ga moo ba ne ba lebogela nyeletso lehuma e e neng e tshwaretswe kwa kgaolong ya bone mo motseng wa Dikhukhung ngwaga o o fetileng Ba re mananeo a nyeletso lehuma a ba thusitse fela thata gonne jaanong ba kgona go ijesa le ba malwapa a bone. Kwa motseng wa Dikhukhung gone ba ne ba supa fa ba kopa maharatlhatlha a seromamowa le telebishine, ba tlhalosa fa ba sale ba utlwa seromamowa ka nako ya nyeletso lehuma . Fa a ba kgwa dikgaba Tona Mokaila o ne a kopa maitshwarelo mo banning ba metse eo go bo a tsere sebaka go tla go ba lekola, a kaya fa lephata le a leng kwa go lona le tlhoka nako ya gagwe yotlhe. Fa a itebaganya le kgang ya tsela le motlakase o ne a tlhalosa gore fa dilo di ka tsamaya sentle tsela e tla simolowa ka kgwedi ya Moranang monongwaga. Ka motlakase o ne a supa fa ba santse ba le mo lenaneong la go isa motlakase kwa diofisng tsa puso mme morago ke gone ba tla gokelang metse e e senang motlakase. Fa a ama tlhaelo ya metsi Tona o ne a supa fa metsi a tlhaela lefatshe ka bophara, a tlatsa ka gore matamo ka bontsi a kgadile, a fa sekai ka letamo la Gaborone le a tlhalositseng fa le le mo seemong se se tshosang. Tona Mokaila o ne a kopa setshaba go dirisa thothi e ba nang le yone sentle le go emisa go nosa leruo metsi a morafe. BOKHUTLO society 9 Kwadisang matsalo le dintsho - Batshu Batswana ba gakolotswe go inaakanya le go kwadisa matsalo a bana le dintsho. Fa a lekotse banni ba Mokoswane le Kudumatse mo kgaolong ya Legare, tona wa Pereko le Selegae, Rre Edwin Batshu o ne a gakolola Batswana go rurifatsa gore ikwadiso e nna teng ka nako tsotlhe. Rre Batshu a re fa ngwana a tsholwa, o tshwanetse e re mo kgweding tse pedi a bo a kwadisitswe matsalo go sa nneng jalo ke tlolo molao. O ne a tlhalosa gore fa motho a tlhokafetse, mo lebakeng la kgwedi, go tshwanetswe go bo go boletswe ba ofise e lebaganeng gore ga a sale mo botshelong. A re mme fa ngwana a nna ngwaga tse lesome le borataro, e tshwanetse e re mo lebakeng la kgwedi a bo a kwadisitse go ka direlwa karata ya Omang. O ne a re go kwadisa matsalo go baakanya ditogamaano tsa puso go itse gore ban aba ba tshotsweng ka kafe, go ka direlwa dipaakanyo dingwe mo isagong. O ne a re ntleng ga moo, go dira gore puso e bo e sa baakanye ka gore e abo e sa itse gore ke bana ba le kafe ba ba tshotsweng. Fa a itibaganya le karata ya Omang, tona Batshu o ne a tlhalosa gore Omang ke selotlele sa botshelo jwa Motswana. O ne ka moo a kopa gore fa go na le ope yo o neng a sa kwadisiwa Omang, mme a le motona, go na le ba ba ka ba supelang, a ba kwadisiwe gore ba nne le bo Omang. Le fa go ntse jalo o ne a bua a sa kgwe mathe ka bao ba thusang batswakwa gore ba nne le karata ya Omang a re ba emise mokgwa wa go nna jalo. O ne a re Batswakwa ba rata karata tsa Omang ka tsela e sa tlwaelesegang mme a kopa Batswana gore ba seka ba supa se e seng boaamaruri go thusa batswakwa go nna le Omang e se ka fa tshwanelong. A re go dira jalo ke go dira gore batswakwa ba akole meamuso ya lefatshe leno, ntswa e sa ba lebagana. Fa a bua ka kgang ya bong, Tona Batshu o ne a re puso e tsere tshwetso ya go lekalekanya bong. A re lephata la Bong, le itibagantse le go ruta batho gore botlhe ba filwe botlhale ka go lekalekana mo ditirong ka go farologana, go sa kgatlhalesege gore a ke motho war re kgotsa wa mme. A re mo nakong e fitileng, go ne go lebega jaaka o kare rre o ko godimo ka tsotlhe mo go mme, go sa lebelelwa bokgoni jwa bone. O ne a lebogela puso ya Botswana go tsaya tema, a re ke ka moo bangwe ba bam o mme e le baokamedi mo ditirong ka go farologana, a re seabe sa bo mme se a iponagatsa, a tlatsa ka gore le ko palamenteng bo mme ba teng ntswa ba le palo potlana. Rre Batshu o tsweletse a tlhalosetsa morafe gore lephata la gagwe le na le lekalana la boikarabelo jwa tsa mesepele le boagedi. O ne a re ngwana ope yo o tsholwang mo lefatsheng leno ke Motswana, a re fa Rragwe e le motswakwa boagedi jwa ngwana yoo bo bobedi, mme ka jalo ngwana yoo o tlaabo a lebaganwe ke ditshwanelo tsotlhe tsa ngwana ope wa Motswana. Rre Batshu O ne a gakolola gore fa ngwana yoo a le dingwaga tse masome mabedi le bongwe o tshwanetse a itlhotlhore boagedi bongwe. O ne a kopa Batswana go nna le kitso ya melao ya fatshe leno, gore ba seka ba iphitlhela ba tlodile molao ka go tlhoka go itse. society 9 Water Utilities e abela sekole madi Ba koporase ya metsi ya Water Utilities Corporation (WUC) e rile ka Labone ba abela sekole se sebotlana sa Gakuto P15 000 le dibeke tsa sekole e le go rotloetsa baithuti. Kabo e e dirilwe kwa moletlong wa go aba dimpho o o neng o rotloediwa gape ke ba lebentlele la Sefalana Hyper. Fa a bua mo boemong jwa mookamedi wa WUC Rre Mmetla Masire kwa Gakuto ka Labone, moanamisa mafoko wa kompone eo Mme Beauty Mokoba o boletse fa koporase ya bone e lemogile fa thuto e le botlhokwa. O boletse fa ba lemogile fa baithuti ba na le dikgwetlho mme e le ba koporase ba dumela gore go seka ga nna sepe se se ba kgoreletsang. Mme Mokoba o ne a galaletsa ba ba filweng dimpho mme a re se, e tshwanetse ya nna kgothatso mo go ba ba sa fenyang gore le bone ba iteke ba tle ba fenye mo lebakeng le le tlang. O tlhalositse fa go le botlhokwa gore sekole se iphe seelo, se lebile ka fa se ntseng ka teng, a tlatsa ka gore dilo tse tsotlhe di tshwanetse tsa agelwa mo sethong go itebagantswe le Botho. Mme Mokoba a re baithuti ba tshwanetse go rata tiro ya bone, a re se ke sone se ka dirang gore ba atlege. Baithuti ba ne ba gakololwa gore go na le bagaka ba ba ka ithutang go le gontsi mo go bone, jaaka bo Rre Kofi Annan le Nelson Mandela, a re le mororo batho ba le bantsi ba ise ba kopane le bone, ba kgonne go fetola matshelo a batho. Mme Mokoba o kgothaditse baithuti gore le bone ba ka nna bagaka, mme baithuti ba bangwe ba tseye malebela mo go bone, ba kgona go dira tsotlhe tse ba eletsang go di dira mo botshelong. “Baithuti bangwe ba eletsa go nna dingaka, bangwe barutabana, bangwe bafufisi ba difofane mme ba ka atlega fela fa ba ka dira ka thata”, ga bua Mme Mokoba. Ar e go dira ka thata go raya ba sa dire dilo tse di duleng mo tseleng jaaka go dirisa ditagi le tse dingwe tse di ka ba itayang tsebe. O boletse gore go na le dipego mo metseng ya magae e bana ba tlogelang dikole go nna kwa masimo kgotsa ka lebaka la boitaolo, mme a re o itumedisiwa ke gore bana ba Gakuto ba gatetse pele mo thutong, mo ebileng bangwe ba bone ba ka nnang ba felela ba thapilwe ke koporase ya WUC. Baithuti ba ne ba gakolowa gore ba tswelele ka go ithuta thata ba tle ba itirele maina, ba itsewe e le batho ba ba bopileng lefatshe leno. Bodiredi jwa sekole bo ne jwa getlhwa gore bo tswelele ka go rutuntsha gore bo tle bo alose baithuti ba tlhwatlhwa. Batsadi bone ba kopilwe gore ba nne le kgatlhego mo thutong ya bana ba bone, ba e pataganele le barutabana. Ba Sefalana ba ne ba abela baithuti dimpho tsotlhe mme e bile ba itlamile go fa moithuti yo o gaisitseng botlhe mo lekwalong la bosupa P1 000, go reka paka ya sekole se moithuti yo o yang go tsena kwa go sone le beke. Se se tla morago ga go baakanya lefelo la moriti, ba reka semausu le tsotlhe tse di tlaa rekisiwang, tse tsotlhe di lopileng P59 000. ENDS education 4 Ipaakanyetseng boipuso - Kesupile Mopalamente wa pele wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile, o kgothaditse boora Sebego kwa Kanye go ipaakanyetsa moletlo wa boipuso wa monongwaga. A re e re le mororo a itse fa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse di sa tshwara sepe mo seatleng ka ntlha ya leuba, mme gone go maleba gore morafe o ipaakanyetse boipuso. Rre Kesupile yo o neng e le mogwanti mogolo o buile jalo ka Matlhatso Phukwi 31, kwa Kanye mo mongwantong o o neng o rulagantswe ke ba komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) mo kgaolwaneng ya Mmatshitswane Botlhaba, ka maikaelelo a go kokoanya madi a go agela motlhoki ntlo. Rre Kesupile yo o ntseng e le mopalamente mo kgaolong eo go fitlha palamente e phatlaladiwa bosheng, mme e bile gape e le ntlhopheng yo o ikemetseng mo kgaolong eo, o ne gape a kgothatsa morafe go ipaakanyetsa ditlhopho tse di tlang tsa setshaba. Ebrile a bua ka maikaelelo a letsatsi leo, modulsedtilo wa VDC mo kgaolwaneng ya Mmatshitswane Botlhaba, Rre Gasegodira Kaboeamodimo a tlhalosa gore e le maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse mo Mmatshitswane Botlhaba, ba ne ba lemoga fa go na le ditiro tse ba tshwanetseng go di dira mme ba se kake ba kgona ka jaana ba sena madi. A re ba ne ba tswa ka mogopolo wa go dira mogwanto go kgobokanya madi. Rre Kaboeamodimo a re maikaelelo a mogwanto o ke go kokoanya madi go tla ba agela rre mongwe ntlo mo kgaolwaneng eo, a tlhalosa fa rre yoo a sena bonno jo bo kgotsofatsang. O tlhalositse fa keletso ya bone e le gore ba seka ba nna komiti fela e e senang ditiro, mme ba thuse setshaba fa ba kgonang teng. Rre Kaboeamodimo o tlhalositse fa mogwanto o, e santse e le tshimologo mme ba tlaa tswelela ka methale e mengwe e e ka ba thusang go dira madi gore tiro ya bone e atlege. O ne a go tlhalosa fa mo nakong eno ba kwaletse dikhamphani dingwe go kopa dithuso. E ne e rile go le pele a amogela baeng mo kgotleng, kgosana yoora Sebego, Rre Faruk Tshosa a tlhalosa gore mogwanto ke bontlha bongwe jwa itshidilo mmele, ka jaana go itshidila go nonotsha botsogo jwa motho mme seo se thuse go fokotsa maushiushi a mmele. A re seo gape se ka fokoletsa motho go nwa dipilisi kgotsa melemo ka mmele o a bo o sena bokoa. Rre tshosa a re ka jalo o leboga botlhe ba ba tsereng karolo mo mongwantong oo ka seo e se go kokoanya madi fela mme gape e le go itshidila mmele. politics 7 Go tlhokomela bana go ka ba rotloetsa go ithuta ka tlhoafalo Mookamedi wa Age Friendly Counseling Centre Rre Molemi Leinane a re o tseela kgodiso ya ngwana kwa godimo ka e rotloetsa bana go dira sentle mo dithutong. O buile jaana fa a ne a buisa batsadi kwa sekoleng se sebotlana sa Motetshwane kwa Serowe bosheng. Rre Leinane a re khamphani ya gagwe e gwetlhilwe ke go bona go na le batsadi ba ba sa tlhokomeleng bana. Rre Leinane a re ngwana ke tshegofatso go tswa kwa Modimong, ka jalo a kgothatsa batsadi go tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela bana. O ne a kopa batsadi go tshwaraganela bana le barutabana gore bana ba kgone go tsoga ba itshetsa. O kopile botsadi gore ba tlhomamise gore bana ba bone ba ya sekoleng ba le phepa e bile ba jele dijo tsa maphakela. O boletse gore bana ba tshwanetse go tlotlwa le go ratwa ka gore go dira jalo go ka ba rotloetsa go dira sentle mo dithutong. A re batsadi ba tshwanetse go itse le go lebelela letlhoko la bana go na le go eteletsa dikeletso tsa bone kwa pele. Rre Leinane o kopile batsadi go duelela bana sekolo, a re fa ngwana a sa ntsha madi a sekole ga a phuthologe fa a na le ba bangwe mme seemo sa teng se felele se ama tiro ya gagwe ya sekole. O ne a ba kopa go ela tlhoko mafoko a ba a dirisang fa ba kgalemela bana ka gore mafoko a mangwe ga a age bana, e bile a ka ba dira gore ba gole e le batho baba senang boikarabelo mo setshabeng. A re bana ba rutwa maitseo kwa lapeng, ka jalo o kopile batsadi go ruta bana ba sa ntse ba le kwa tlase ka dingwaga. Mongwe wa batsadi ba ba neng ba tseneletse phuthego eo, Bishop Bokaedi Reetsang a re o itumela fa go buiwa dikgang tsa tlhokomelo ya bana ka gore ke dikgang tse di tshwanetseng go tsewa ka tlhwaafalo. A re fa ngwana a sa godisiwa sentle ga a na bokamoso. Rre Reetsang a re go neela ngwana madi fa o sena go mo otlhaela se a sa se dirang sentle ga se gone, a re yo o nang le maikarabelo o tla tshwanelwa ke go baya ngwana fa fatshe a mmontsha diphoso tsa gagwe tsotlhe gore ngwana yoo a tsoge e le sengwe mo setshabeng. Morutabana wa sekole sa Motetshwane Mme Pontsho Keraetswe a re puisanyo e e tlaa ba tswela mosola ka gore batsadi ba tlaa kgona go tsaya boikarabelo jwa bana. A re fa ngwana a itumetse o ntsha maduo a mantle mme seo se ise sekole sa bone kwa godimo. ENDS education 4 Banni ba Palapye ba lebogela pula E rile ka mafelo a beke morafe wa Palapye le dikereke ka go farologana ba kgobokanela kwa kgotleng go isa malebo a pula. Fa a bua kwa tirong eo, e e neng e tsenenwe ke dikereke, bogosi le morafe wa Palapye, Kgosi Masego Olebile a ne a tlhalosa fa pula e gosomane ka bontsi mo kgaolong ya Palapye mme e thusitse batho go lema le go bona thobo e kwa godimo, go feta ya ngwaga o o fetileng. A re pele pula e na motse wa Palapye le dikgaolo tse di mabapi di ne di apesitswe ke leuba le le neng la bolaya diruiwa, a tlhalosa fa tlhaelo ya metsi le yone e ne ele kwa godimo ntateng ya go kgala ga matamo. A re le fa matamo a sa tlala otlhe, pula e e dirile pharologanyo e ntsi ka matamo a mo bokone a tletse fela thata, mme a kwa borwa ele one a sa ntseng a saletse kwa morago. A re mme le fa a sa tlala, seemo sa one se botoka go na le pele, a tlatsa ka gore malebo a matona a tshwanetse a isiwe kwa Modimong. O boletse fa tiro e ya go lebogela pula ele go diragatsa kopo ya tautona wa lefatshe leno ya go rapelela pula le go e lebogela. A re ele ba Palapye ba ile ba diragatsa kopo e ka go rapelela pula, ka jalo ba isa malebo kwa Modimong go bo a ile a araba kopo ya bone. O ne a tswelela a galaletsa seemo se a supa fa lefatshe le apere kobo e tala ka ntateng ya pula, e le yone a tlhalositseng fa e tsisitse boitumelo jo bo kwa godimo mo bathong, diruiwa le ditshidi ka kakaretso. Kgosi Olebile o ne a gape a lebogela thobo e morafe wa gagwe o e boneng, a tlhalosa fa Modimo o ile wa utlwa dithapelo tsa morafe. A re Batswana ba ntse ba latlhile ngwao ya go rapelela pula, a bua jalo a rotloetsa gore ngwao eo e boelwe ka go rapelela pula go supile e le selo sa botlhokwa. Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa lekgotla la baruti, Rre Sydney Setilo, a re go botlhokwa gore fa go isiwa malebo kwa Modimong go tsisiwe le thobo mme morago go fiwe ba malapa a tlhokileng lesego. A re Batswana ga ba tshwanela go lebala mowa wa boutlwelobotlhoko fa ba dira tiro ya sebopego se, a tlatsa ka gore ka nako tsotlhe ba gakologelwe batlhoki. E re dikgang di eme jalo, lekgotla la baruti mo Palapye le ile la tlhopha komiti e ntsha, mme Rre Sydney Setilo yo ntseng a tshwere marapo a bodulasetilo a boela mo maemong ao, a thusiwa ke Rre Darius Nkhwa. Mme Pulane Itumeleng o ile a tlhophiwa go nna mokwaledi, fa Rre Mojaki Nkwali a ile a bona maemo a motshwara madi. Komiti e e ile ya tladiwa ka maloko a le mane. Fa a lebogela tlhopho eo, Rre Seilo o tlhalositse fa tiro e ele ya boithaopo, ka jalo e tlhoka bopelotelele le boineelo. A re o lebogela thopo eo a tlhalosa fa go supa fa dikereke di lemoga ebile di lebogela ka fa a ntseng a tshwere marapo ka teng mme a kopa tirisanyo mmogo mo dikerekeng tsa Palapye. Le fa go ntse jalo a re komiti ya gagwe e saletse morago ka dikgang tsa setsha, a tlhalosa fa ene le maloko a komiti ya gagwe ba tsile go lwa ka tsotlhe gore ba bone setsha sa lekgotla la baruti. A re le fa ele ene modulasetilo, kemonokeng ya dikereke ke yone e ka mo kgontshang tiro, a kopa gore ba mmontshe diphoso fa a sa direng sentle teng, a tlatsa ka gore fa a palelwa, go a bo go paletswe lekgotla lotlhe eseng ene a le esi. O ile a rotloesa dikereke go ikwadisa le lekgotla le. Bokhutlo society 9 Puso o kopa dikgosi go tlotlana Modulasetilo wa Ntlo Ya Dikgosi, Kgosi Puso o kopile maloko go tlotlana fa dipuisanyo di tsweletse. E rile a bua le maloko a Ntlo Ya Dikgosi mono Gaborone bosheng a kopa gore dikgosi di tlotle maikutlo a ba bangwe, dikakanyo tsa bone le gore ba seka ba kgalana kgotsa ba nyenyafatsa ba bangwe. A re go botlhokwa go tlotlomatsa Ntlo Ya Dikgosi ka jaana ke ntlo e e tlotlegang mo setshabeng, ga mmogo le maloko a yone. “Re le dikgosi re tshwanetse go dibela bogosi, go seka ga lebega go na le difatlhi tse di ka fatlhang setshaba se se re tlotlang.” Kgosi Puso a re dipuisanyo tsotlhe tsa Ntlo Ya Dikgosi di a gatisiwa, ka jalo ba tshwanetse go buisana ka mokgwa o o tlaa lebegang o le phepa mo morafeng ka jaana bogosi bo tseelwa kwa godimo. Kgosi a re mo dipuisanong tse di fetileng o fatlhilwe ke mafoko mangwe, mme a bolela fa se se tshwanetse go khutla ka jaana a sa batle go tsamaisa ntlo ka tshokamo, kgotsa go gotlhagotlhana le maloko. BOKHUTLO society 9 Mophato o ka thusa go lwantsha borukutlhi Go simolodisa gape setlhopha sa baithaopi se se neng se itsege ka leina la mophato go tlhalositswe go ka fokotsa borukutlhi. Go boletse jalo motlhokomedi wa setlhopha sa twantsho borukutlhi sa kgaolo ya Boribamo Botlhaba mo Molepolole, Special Constable Theodora Motlhaomme mo phuthegong le dikgosi le boralekgotla ba kgaolo e bosheng. Special Constable Motlhaomme o tlhalositse gore borukutlhi mo kgaolong e bo a tshwenya mme mapodisi le setlhopha sa twantsho borukutlhi ba ka se kgone ba le nosi ka jalo a re go botlhokwa go tswa ka methale e mesha ya go lwantsha borukutlhi. O ne a tswelela a bolela fa bontsi jwa babelaelwa mo melatong e e begwang kwa ofising ya sepodisi ya Molepolole ba tswa mo kgaolong ya Boribamo Botlhaba. A re ke ka moo go leng maleba go simolodisa setlhopha sa Mophato se a tlhalositseng fa se ka isa dipalo tsa borukutlhi le botlhokatsebe kwa tlase. A re go simolodisa mophato e tlaa bo e se selo se sesha ka o kile wa dirisiwa kwa Mokwena. A re tiriso ya mophato e ne ya tswa maduo a re batho ba ba neng ba gobeya bosigo ba ne ba se na mabaka a a utlwalang mme ba ne ba tshwarwa ba isiwa kwa dikgotleng go otlhaiwa. Mme Motlhaomme o tlhalositse fa dikgotla tsa Ntloolengwae, Boribamo Bophirima le Mankgwenyane di setse di na le mephato, a supa fa borre mmogo le bomme ba ithaopile ka jalo ba na le dinako tse ba tlhodumelang motse go bona gore a ga gona borukutlhi jo bo dirwang. Mo kakgelong ya gagwe, Rre Montisetse Ramphatlhose o tlhalositse fa go tlhoka tshireletsego ga malomatsebe go kgoba marapo ka go baya matshelo a ba ba neng ba eletsa go tsiboga ka go bega dikgang tsa borukutlhi mo diphatseng, ka jalo se a re ke sone se dirang gore banni ba itlhokomolose go begela ba sepodisi dikgang tsa borukutlhi a re le bone ba ditlhopha tsa twantsho borukutlhi ga ba a sireletsega. A tswelela a tlhalosa fa go simolodisa mophato go ka tswa maduo, mme fela a re ga go sa tlhole go na le baithaopi ka batho ba batla go atswiwa go dira tiro eo. Fa a akgela, Rre Basi Mongalo o tlhalositse gore ga gona tshwaragano le tirisano mmogo ka morafe le ba twantsho borukutlhi, a re se se supega ka go tlhoka go rata ga batsadi fa bana ba otlhaelwa botlhokatsebe kana borukutlhi. Mmogo le gone go tlhoka go tsena diphuthego tsa twantsho borukutlhi.O ne a tswelela a re mophato o ka tswa maduo fa setlhopha se se ka dirwa ke borre fela. Mo kakgelong ya gagwe, Rre Joseph Gabobegwe o tlhalositse gore go na le boitseme mo dikgotleng dingwe tse di tlhomamisitsweng mme a re se se ba busetsa ko morago mo go rarabololeng dikgang tsa botlhokatsebe le borukutlhi. O tsweletse a akgola setlhopha sa twantsho borukutlhi sa kgaolo ya Boribamo Botlhaba a re se dira ka natla go lwantsha borukutlhi. Fa a akgela mo go ya go simolodisa mophato, o ne a tlhalosa fa batho ba le boitseme go ithaopa. crime_law_and_justice 1 Legal Aid e imolola Batswana merwalo Legal Aid Botswana (LAB) e ikemiseditse go dira tsotlhe mo thateng ya yone go lekalekanya sekale sa tsamaiso-molao le go ikemela ka nosi mo go mo pontsheng. Se se builwe ke moemedi go tswa ko lekalaneng la LAB, Mme Lesedi Mooketsi, fa a fa tlhalosa ka lekalana leo mo phuthegong ya kgotla kwa Good Hope ka Mosupologo. Mme Mooketsi are LAB ke lekalana le le thusang ka ditirelo tsa molao, bogakolodi le bobueledi mo makgotleng a bo mmakasterata, lekgotla legolo la ditsheko, kgotla ya ditsheko tsa khiro, lekgotlana la tsa ditsheko tsa lefatshe, le lekgotla-legolo la boikuelo mabapi le dikgang tsa lelwapa, tsa khiro, ditshenyegelo, le tse dingwe. Ovne a tlatsa ka gore lekalana le le thusa Batswana botlhe ba ba senang itsholelo ya go ipatlela babueledi, are le fa go ntse jalo, kgang ya moikopedi e tshwanetse gore ebe ele ee ka atlegang,a tlhalosa fa moikopedi a sa letlelelwe go gana tharabololo e e sa batleng tsheko. A re ditirelo tse di duelelwa ke makgetho a a tswang mo pusong, ka jalo moikopedi ga a tlhoke go duela sepe go bona tshiamelo ya molao. O tsweletse ka gore le fa di sa lope madi, ditirelo tsa lekalana le, ke tsa boleng jo bo kwa godimo tse Batswana ba di tsisediwang ke babueledi ba ba ikemetseng ka nosi, ka fa tlase ga lekana le le okametseng babueledi (Law Society) le babueledi ba ba direlang mo lekalaneng la Legal Aid Botswana, go sireletsa ditshwanelo tsa motswana le ba lelwapa la gagwe. Mme Mooketsi one are, e re ka motho mongwe le mongwe a na le tshwanelo ya go tsewa ka tekatekano fa pele ga molao, maikemisetso a lekalana le, ke go tlisa ditirelo tsa molao go botlhe ba ba di tlhokang, mme e bile ditlhwatlhwa ele tse Legal Aid Botswana e ka di kgonang. One a tlatsa ka gore, mo mathateng a malwapa, LAB e thusa mo dikgannyeng tsa tlhalo, tlhokomelo ya bana, dikgokgontsho tsa mo malwapeng le dikgang tsa boswa, fa mo mathateng a tsa lefatshe, e thusa mo dikgannyeng tsa dikgotlang le ba kabo ya ditsha le dikgang tse di ko lekgotlaneng la tsa selefatshe (Land tribunal). A re le fa go ntse jalo, ditirelo tsa LAB, ga di akaretse ditsheko tsa borukutlhi (criminal cases), dikgotlhang tsa madi tse di dirwang ke lekgotlana la Small Claims Court, dikgang tsa tse di mo makgotleng a Setswana, go senngwa leina, go tsuululwa sephiri, go dielwa nako ya lenyalo, go thubiwa ga malwapa le dikgang tsa khiro tse di santseng di le ko lekalaneng la tetlanyo la ofisi ya tsa pereko (Prelimitary Industrial Mediation). Mme Mooketsi a re go ikopela ditirelo tse, moikopedi o tshwanetse go tla ka Omang, dipampiri tse di supang gore o amogela bokae fa ele mmereki, le dipampiri tsotlhe fela tse di amanang le kgang e e tlhokang ditirelo tsa LAB, jaaka ditlankana tsa lenyalo, matsalo a bana, ditumalano kgotsa dikonteraka tse di kwadilweng fa di le teng, le dipampiri dipe fela tsa molao. Are moikopedi o a tlhatlhobiwa go seka seka fa ele motswana yoo lebaganweng ke ditirelo tse, mme seo se dirwa ka go botsolotsa ka fa a itshetsang ka teng le gore o na le dithoto tsa boleng jo bo kae. Are seno ke yone tshekatsheko ya itsholelo (Means Test). O tsweletse ka gore modiredi wa LAB o nitamisa itsholelo ya moikopedi ka go tlhakanya letseno la gagwe la madi la kgwedi le kgwedi jaaka dituelo tsa khiro, madi a dikatso le diphokoletso, madi a matlo a khiriso le dipeeletso le dipolokelo. O ne are go akarediwa le dithoto tse di amang lefatshe, go sa akarediwe dikadimo tsa go tlhabolola lefatshe la go nna jalo (bond), leruo le dithoto tse dingwe tsa boleng jaaka dikoloi. Mme Mooketsi are go tswa mo kanokong e, go tla lebelelwa le dituelo tsa kgwedi le kgwedi tse o tlamegang go di duela jaaka lekgetho la dituelo, dituelo tsa dikolo tsa puso, lenaneo la dituelo tsa bongaka le bogodi, rente le tse dingwe. O ne a tlatsa ka gore maikaelelo a letsatsi leo ene ele go tsibosa le go itsise Batswana ka bolenteng jwa lekalana la LAB, le ditirelo tse ba ka di fang Batswana. Mo potsolosong le lekalana la BOPA, Kgosi-kgolo wa Barolong Kgosi Lotlaamoreng II, are ere ntswa a ntse a dirisana le lekalana le, go ne gole maleba gore LAB e ba etele ka gore bontsi jwa batho ba ntse ba sena kitso ka lone le ditirelo tsa lone. O ne are go na le dikgetsi tse ba di amogelang babo ba di rarabolola mo lekgotleng la Setswana, a re mme le fa go ntse jalo go na le tse ba sa kgoneng go di rarabolola jaaka fa mongwe wa bobedi jo bo sekang a na le bokgoni jwa go ituelela mmueledi fa yo mongwe ene asa kgone. Are fa go ntse jalo, ba fetisetsa kgetsi ya go nna jalo kwa LAB gore e thuse yo o senang mmueledi. Kgosi Lotlaamoreng II are ba amogela dikgetsi dingwe tsa borukutlhi jaaka tsa bogodu le dititeo, mme tse ditona jaaka petelelo, polao le go kgothosa ka dikgoka ele tse di fetileng dithata tsa bone. O ne a tlatsa ka gore, gantsi ba lebelela bokete jwa kgetsi e e gorogang kwa kgotleng mme ba e sekaseke gore a ke ee ba lekaneng kana nyaa. Fa a tswa la gagwe, Mothusa molaodi wa Goodhope Rre Innocent Maotwe, one are o itumelela bokopano jwa letsatsi leo, a re bo tsamaile ka thelelo. One are dithuto tsa letsatsi leo di ne di le maleba ka gore ditirelo tsa semolao di botlhokwa mo matshelong a batho a letsatsi le letsatsi. Rre Maotwe one a gakolola Batswana gore ba dirise ditirelo tsa Legal Aid Botswana, mme ba di dirise ka kelelelo gape ba di somarele. BOKHUTLO society 9 Mosielele o a kgalema Kgosi ya Moshupa, Kgosi Oscar Mosielele, o kgadile batsadi ba Moshupa go mpampetsa segolo jang fa baithuti ba dirile molato. Kgosi Mosielele o ntshitse ngongora eo mo phuthegong ya kgotla a e biditse go lekola morafe le go ba itekodisa ka tse di amang motse wa gagwe. O boletse fa erile bosheng kgosi le dingwe tsa dikgosana, mapodisi le barutabana ba tsamaya le dikole mme ba bona dilo tsedi hakgamatsang. O boletse fa bana ba dikole ba fitlhetswe ka dithipa tsa okapi, screwdrivers, diphafa le megala ya metlakase e ba e dirisang go rukutlha batho mo motseng. Kgosi o boletse fa ditiro tsa dintwa, bogotswana bo dirwa ke bana ba motse mme ba lomeletswa ke batsadi ba bone ba ba sa ba tlhokomeleng. O boletse fa botsadi bongwe bo latotse fa bana ba bone ba ka dira molato ebile ba gana nnyaa wa banyana gore bana ba bone ba ka otlhaiwa ko kgotleng. O kopile dikgosana go bereka le ene go lwantsha borukutlhi. O ba kopile go ngoka morafe go tla dipitsong tsa gagwe, a bolela fa ba tshwanetse go ntsha maduo mo tirong. Mo dikgannye tse dingwe o kopile banni ba ba ising ba nyale go inakanya le lenaneo la ‘’Re nyalana’’, a bolela fa le le botlhokwa mo dikgannye tsa go kgaoganya boswa. Le fa gontse jalo go ne gape ga nna le nako ya go tshuba dikerese e le go dira segopotso sa batho ba ba amilweng ke mogare wa HIV/AIDS. Kgosi o boletse fa batho ba ntse tsebe se nkutlwe fela ba tsweletse ka go tsenwa ke mogare. O boletse fa puso e latlhegelwa ke madi a mantsi a ditlhabololo, o boletse fa puso e sigile tema ya yone mme Batswana ba tshwanetse go ema ka dinao go iphapha. Mogokaganyi wa HIV/AIDS Mme Khumo Baakile o kopile marara ba motse le morafe ka kakaretso go ba fa kemonokeng ele mekgatlho ya boithaopo. O o rile ba ba amegileng ba seka kgethololwa. O boletse fa puso e tshwere bothata go tlhokomela dipalopalo tsa ba ba lwalang. Mongwe wa baithaopi wa mokgatlho wa Baikamogedi, Mme Mmapula Tlharesagae o kopile kemo nokeng ya dikereke le dikgosi go thusa ka madi go rotloetsa mokgatlho wa bone. o thusa go sidila maikutlo le go tlhokomela ba ba gateletsweng. Mme Tlharesagae o boletse fa ba na le dikgwetlho tsa gore batho ga ba nwe dipilisi tsa mogare sentle, o boletse fa ba di emisa mo tseleng mme ba felela ba tlhokafetse ka bonako. O boletse fa bangwe ba ba imileng ba sa ikwadise gore bana ba bone ba sireletswe ba santse ba le mo sebopelong. O boletse fa ba tlhoka madi a dithuso, a re mokgatlho wa bone o simolotse ka 2005. BOKHUTLO society 9 Loaro le ka namola kanamo ya mogare Mogolwane go tswa kwa ofising ya ACHAP, Mme Shungu Malikongwa, a re ditshekatsheko di supile fa lenaneo la go ara borre le ka thusa go namola lefatshe leno mo mogareng wa HIV. Mme Malikongwa o buile seo kwa segopotsong sa kgwedi ya banana kgatlhanong le mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS kwa Mmathethe bosheng. A re fa borre ba ka tsibogela loaro leo ka bontsi, malwetse a tlhakanelo dikobo a ka fokotsega, a tlatsa ka gore go dira jalo go ka thusa puso ya lefatshe leno go fokotsa madi a a dirisiwang go reka diritibatsi tsa mogare wa HIV. Mme Malikongwa o ne a kgothatsa banana, bogolo jang ba basimane, go tsaya kgato go ipaakanyetsa isago ya bone ka go tsibogela mananeo a ba botsogo jaaka loaro le le babalesegileng go kgaola letlalo le go thibela mogare wa HIV, a re go dira jalo ke go supa boikarabelo. O tlhalositse fa banana e le baeteledipele ba lefatshe leno ba ka moso ka jalo ba tshwanetse go tsaya mananeo a botsogo ka tlhwaafalo. Mme Malikongwa o tlhalositse gore lekalana la bone le ikemetse ka nosi mme le tshwaraganetse ntwa kgatlhanong le mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS le puso ya lefatshe leno fa e sale ka ngwaga wa 2001. O tshwaetse gape go re seabe sa bone ke go thusa puso ka bodiredi jo bo rutetsweng tiro ya go ara borre, didirisiwa tsa loaro le tse dingwe fela go ya ka botlhoki jo bo leng teng. A re keletso ya bone ke go bona maikaelelo a lefatshe leno a tebelopele ya setshaba a atlega, gore e re ka ngwaga wa 2016 e bo e le tshaba e e itekanetseng, e e se nang batho ba ba amiwang ke mogare wa HIV. O ne a tlhalosa gape go re ka ngwaga wa 2009, ba ne ba ipeela seelo sa go ara borre ba le 127 000, ba ngwaga tse di lesome le botlhano go ya kwa go tse di masome a mabedi le borobabongwe ka ngwaga wa 2014. A re se, ke go etleetsa ba lephata la botsogo mo maitekong a bone. Mogolwane wa lephata la botsogo e bile e le mogokaganyi wa lenaneo le le itebagantse le loaro la borre, Rre Conrad Ntsuape, o tlhalositse fa kgwedi ya banana e le kgwedi e e faphegileng. A re go fetola boitshwaro ga banana mo go tsa tlhakanelo dikobo le go tsibogela mananeo a ba botsogo go ka thusa fela thata go fokotsa kanamo ya mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS. O tsweletse a re lefatshe leno le dirile mananeo a le mantsi go leka go lwantsha bolwetse joo mme seo ga se ise se lekane. A re lephata la botsogo le lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi fela thata mme a re ba leka ka bojotlhe go di lwantsha. Rre Ntsuape a re fa e sale go simolodisiwa lenaneo la go ara borre ka ngwaga wa 2009, borre ba le 62 620ba setse a dirilwe loaro, a tlatsa ka gore mo ngwageng o o fetileng ba ne ba le 40 517. O ne a kopa banana go ikgapha mo go tsa tlhakanelo dikobo go itsa go tsenwa ke malwetsi. O tsweletse ka go sedimosa go re puso e dirile maiteko a go ntsha mananeo a tshwana le la go thibela mogare go tswa mo go mma ngwana yo o itsholofetseng go ya kwa loseeng (PMTCT), diritibatsi tsa mogare wa HIV ga mmogo le go simolodisa makalana a go itlhatlhobela mogare kwa go one mme go supega fa batho ba sa ntse ba tsweletse ka go tswenwa ke mogare. Mogokgo wa sekole se segolwane sa Mmathethe, Mme Tebogo Mack, o ne a tlhalosa faletsatsi le le le botlhokwa fela thata ka banana ba newa dithuto tse dintsi fela thata tse di amanang le botsogo. Letsatsi leo le ne le rulagantswe ke ba lekalana la ACHAP mme le ne le natefisiwa ke seopedi sa kwa Aferika Borwa, Rre Jonny Mokhali. education 4 Bagwebi ba ngongorega ka tshenyetso setshaba Bagwebi ba Tsabong le metse e e mabapi ba ngongoregile ka maphata mangwe a puso ba supa fa a sa dire le bone sentle. Ba buile mafoko a mo phuthegong e ba neng ba e tseneletse le mopalamente wa kgaolo, Rre Frans van der Westhuizen bosheng le bagolwane ba maphata ka go farologana kwa Tsabong bosheng. Rre Moses Chimbombi yo e leng mothusa modulasetilo wa bagwebi ba kgaolo eo o tlhalositse fa go ngomola pelo gore a bo ba santse ba kgona go tingwa menyetla ya go fiwa ditiro ke maphata a puso. A re ba tshwenngwa ke gore fa ba fiwa ditiro e abo e le tsa madi a mannye mme fa go na le tsa madi a a bonalang ba kgaphelwa ntle. Rre Chibombi a re puso e ka tswa e dirile phoso ka go letlelela babereki ba puso go nna le dikhamphani, a re se ke sone se se dirang gore abo ba kgona go ba tima ditiro ba di fa ditsala le masika a bone. O tlhalositse gore ke ka moo ba boneng go le botlhokwa gore ba bitse mopalamente gore a tle go ba lebisa kgang e ka jaana go lebega e le e e a se keng ya tlhola e ema, a tlatsa ka go re ba setse ba tsene mo seemong sa go tlhoka go tsaana sentle le bodiredi. Fa a tswa la gagwe, mopalamente o tlhalositse fa go le botlhokwa gore badirelapuso ba itse ditsamaiso tse ba tshwanetseng go bereka ka tsone gore ba tle ba thuse Batswana sentle. A re mananeo a mangwe a puso a diretswe beng-gae, ka jalo ba tshwanetse go netefatsa gore ba dira fela jalo ka se se le botlhokwa go tsholetsa itsholelo ya dikgaolo. O tlhalositse gore ba dikgwebo le bone ba tshwanetse go netefatsa gore ditirelo tsa bone ke tsa maemo a ntlha le tlhwatlhwa ba baya ene siameng. Rre van der Westhuizen o tlhalositse fa go le botlhokwa gore beng ba dikgwebo ba di tlhabolole ka jaana ditiro tse dingwe di buletswe go ka fiwa Batswana fela botlhe, mme a re mo seemong seo ba tshwanetse go netefatsa gore dikhamphani tsa bone ke tsa boleng jo bo rileng. O ne a wela ka go re ba netefatse gore ba dira ditiro ka botswapelo ka go lemosegile gore gantsi dikhamphani di latlhelela ditiro. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 €˜Rutang ka tsamaiso ditlhopho’ Mogolwane kwa ofising ya tsamaiso ditlhopho kwa Mahalapye Bophirima, Rre Tlhagiso Pilatwe o kgothaditse maloko a komiti e e lomaganyang ofisi ya ditlhopho le setshaba go dira ka natla go anamisa thuto ya go tsamaisa ditlhopho. A re se se ka fokotsa dikgwetlho tse di lebanyeng batlhophi. O buile jaana kwa phuthegong ya komiti ya PLC kwa Mahalapye bosheng. A re go a tshwenya go bona dipalo tsa batho ba ba sa ikwadisang sentle di le kwa godimo. Rre Pilatwe a re go botlhokwa gore setshaba se nne le kitso e e tletseng ka tsamaiso ditlhopho, ka jalo ba-na-le seabe jaaka komiti ya PLC ba tshwanetse ba dira go utlwala go ruta setshaba. Mogolwane o ne a re bangwe ba dira jalo ka maikaelelo a go tsietsa, fa bangwe ba tsiediwa ke ba ba itseng. O ne a supa gore bangwe ba ba neng ba tsiediwa gore ba ikwadise mo mafelong a ba sa nneng mo go one ba feletse ba lemogile maretshwa a a neng a dirwa, mme ba itsise lekgotla la dilthopho gore ba kgone go kwadisiwa sentle. Rre Pilatwe a re mo kgaolong ya Mahalapye Bophirima, go ne ga kwadisiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata dikgang di le lekgolo le borobabobedi tsa batho ba ba neng ba belaelwa ba sa sala morago tsamaiso ya go ikwadisetsa ditlhopho. “Mo dikgannyeng tseo, mongongoregi o ne a fenya tse tharo, a latlhegelwa ke tse di masome mararo le boferabongwe, mme tse di masome marataro le borataro tsa boelwa morago,” ga tlhalosa Rre Pilatwe. Mo ditshekatshekong tse di dirilweng morago ga dikgato tsotlhe tsa go ikwadisetsa go tlhopha, Rre Pilatwe a re lekgotla la ditlhopho le lemogile gore ka ntlha ya go tlhoka kitso bangwe ba ne ba ikwadisa go feta gangwe, bangwe ba dira jalo morago ga go latlha dikarata, fa bangwe ba ne ba dirisa legato lengwe le lengwe la ikwadiso go ikwadisa. O ne a supa gore sengwe se se tshwenyang ke dipalo tsa batho ba ba supang ba latlhile dikarata tsa ikwadiso, fa bangwe bone ba ne ba na le ketsaetsego mo ikwadisong ya ditlhopho tsa diphathi le ya ditlhopho tsa setshaba. Dikgang tsa batho ba ba ikwadiseditseng kwa mafelong a ba sa tshwanelang go tlhophela kwa go one le tsone di tshwentse lekgotla la ditlhopho. Rre Pilatwe a re sengwe se se tshwenyang setshaba ke go tlhoka go diragatsa ditsholofetso ga mapolotiki. A re bangwe go lebega ba tshephisa batho magodimo ka maiteko a go kopa gore ba tlhophiwe, mme morago ba palelwe ke go dira tse ba neng ba di solofeditse. “Bangwe ba supile gore ba bona mapolotiki fela ka nako ya go ikopela tlhopho, mme morago ba tsene ka lenga la seloko, selo se se dirang gore bangwe ba felele ba ngosela go ikwadisetsa go tlhopha.” Le fa go ntse jalo, Rre Pilatwe o gateletse botlhokwa jwa go tlhopha mo pusong ya batho ka batho. O rotloeditse ba ba ikwadisitseng go tswelela ba okamela bukana ya maina a batlhophi go senola diphoso tse di ka tswang di diragetse go sale nako. O ne a supa gore ba ba eletsang go fuduga kwa mafelong a ba neng ba ikwadiseditse kwa go one ba a letlelesega go dira jalo. A re tlhopho e fudusiwa ka mabaka a a kgethegileng e bile a utlwala. E rile a tsibogela mafoko ao, mongwe wa maloko a lekgotla la PLC, Rre Mogalakwe Mogalakwe o ne a supa gore o tshwentswe ke gore ditlhopho di tsamaisiwa ke bodiredi jwa puso mo mafelong a ba berekelang mo go one. A re bodiredi jo bo nang le lebaka bo berekela mo lefelong le le lengwe bo setse bo dirile botsalano le bangwe mo motseng, ka jalo ba felela ba tsenya dilabe mo tsamaisong ya ditlhopho ka go tsaya letlhakore. “Re bonye go diragala mo ditlhophong tse di fetileng, go nnela ruri mo lefelong, go dira gore motho a nne le dikgatlhego, ka jalo a feleletse kgoreletsa tsamaiso e e nang le boammaaruri,” ga tlhalosa Rre Mogalakwe. Maloko a komiti ya PLC a ne a dumalana le mogopolo wa ga Rre Mogalakwe, ka jalo ba kopa lekgotla la ditlhopho gore badirelapuso ba ba tlaa rongwang go tsamaisa ditlhopho ba seka ba bewa mo mafelong a ba direlang mo go one, ba hudusediwe kwa mafelong a sele gore ba seka ba itshunya nko mo tsamaisong ya ditlhopho. Maloko a PLC a supile gape fa go se thona gore lekgotla la ditlhopho le dirise batho ba e seng badirelapuso go tsamaisa ditlhopho. Ba tlhalositse gore fela jaakaka nako ya ikwadiso, go hirwa batho go lebeletswe bokgoni jwa bone, lekgotla la IEC le ka dira jalo le ka nako ya ditlhopho. Rre Senalebeng Mokgosi a re lefatshe la Botswana le na le palo e ntsi ya banana ba ba nang le dikitso tse di farologanyeng mme ba sa bereke, ka jalo go le botlhokwa gore le bone ba fiwe sebaka sa go oba letsogo. Rre Mokgosi a re le fa tsamaiso ya ditlhopho e le turu, go botlhokwa gore e fiwe ditsompelo tse di lekanyeng ka gore go a bo go tlhophiwa batho ba ba fiwang boikarabelo jwa go busa lefatshe. society 9 Ba gakololwa go duela matlo a VDC Mopalamente wa Ramotswa, Rre Lefoko Moagi, o kopile badirela puso ba ba nnang kwa Otse kwa kgaolong ya Borwa-Botlhaba, go duela matlo a komiti ya ditlhabololo tsa motse a ba nnang mo go one. Mopalamente o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Otse ka Labone morago ga gore maloko a komiti ya ditlhabololo a ikuele gore badirela puso ga ba duele matlo a bone mme se se dire gore go nne thata go ka baakanya matlo ao le go aga a mangwe. Rre Moagi o gakolotse gore go dirwe dithulaganyo tsa gore matlo a duelwe, a re tsela e nngwe ke gore go buiwe le maphata a badirelang mo go one. A re le fa badirelapuso ba tlhaelelwa ke boroko, ba tshwanetse go tlhaloganya gore komiti e tlhaelelwa ke ditsompelo tsa go oketsa maroko, ka jalo go botlhokwa gore matlo a duelwe gore komiti e dire madi. Le fa go ntse jalo, go na le matlo a barutabana mo motseng a a sa nneng ope, mme mopalamente o kopile gore molaodi wa kgaolo le mokwaledi wa khansele ba kopanele kgang eo, matlo ao a tle a abelwe badirelapuso ba ba tlhaelelwang ke boroko. Mopalamente Lefoko, yo gape e leng tona wa ditswa mmung, boranyane jwa pabalelo tikologo le kgotetso. o kopile maphata a puso go bopagana le go dirisana, a tlatsa ka gore matlo a tshwanetse go nna le mongwe go itsa go senyega le go fetoga matlotla. Letlhoko la boroko le bakile gore mapodise a mararo a a neng a tshwanetse go theogelela kwa motseng oo, ba hudisetswe kwa metseng e mengwe. Mo dikakgelong tsa bone, baagi ba motse oo ba kopile Rre Moagi go dirisa maemo a gagwe go batlisisa ka khamphane ya moepo e e ntseng e dira ditshekatsheko ka manganese. Rre Isaacs Khan o boletse fa moepo o tlaa ba tlhamela ditiro. O ne gape a ngongorega ka ditlhwatlhwa tsa didiba a re di kwa godimo, a kopa gore batho ba ba epang didiba kwa Aferika Borwa ba letlelelwe go dira dikgwebo mo lefatsheng leno ka ditlhwatlhwa tsa bone di le kwa tlase. Rre Khan o ne a ngongorega ka khansele ya Borwa-Botlhaba a re ntswa e le potlana mo go tse dingwe, e palelwa ke go dira ditlhabololo. A re tsela ya mo motseng e sale e simolololwa go tsenngwa ditena ngogola ka Moranang mme le gompieno ga e ise e fele, a re se, se supa boitseme mo tirong. Rre Simon Magana o kopile gore go dupiwe dibuka tsa komiti ya ditlhabololo a re e re le ntswa komiti e tshwanetse ya ntsha pego ngwaga le ngwaga, selo se ga se diragale. Rre Otsile Kgosithaba o kopile sekolo sa diatla kwa kgaolong eo a bo a ntsha mogopolo wa gore kgaolo ya bone e na le dilo tse di mmalwanyana tse di ka okang bajanala. Mo go tse dingwe ba ne ba supa fa ba tshwenngwa ke gore ga ba itse gore dithata tsa palamente di felela kae ka e rile komiti ya palamente e sena go sekaseka matlhabelo a dikgomo a Lobatse, ga seka ga tsewa dikgato dipe ntse go ne go builwe fa madi a le mantsi a nyeletse. Ba ne gape ba re Bamalete Development Trust e ikgagapaletse dithoto tsa morafe, e bile se se dia ditlhabololo tsa motse. Mo go tse dingwe, go ne ga tlhalosega fa kopo ya madi a ditlhabololo tsa motse go agelela lebala e gakgamatsa, ka kitso ya gore komiti e ne ya fiwa P1 million o mo nakong eno go sa itsiweng gore o dirisitswe eng. Fa a ba kgwa dikgaba, Mopalamente Moagi o ne a tlhalosa fa bangwe ba supile kgatlhego ya go dira moepo mo kgaolong ya bone, a tlatsa ka gore go lebela fa ditswa mmung tsa manganese di kgabaganya go tswa Kanye, Lobatse le Otse. O boletse fa maikaelelo e le go dirisa ditswa mmung tseo go dira di battery mme a bua fa maikaelelo a puso e le go rotloetsa bo beng ba kgwebo gore malatlha a dirwe mo Botswana, mme seo se tlhamele Batswana ditiro. Mopalamente Moagi o ne a kopa gore dibuka tsa makgotla otlhe di dupiwe a bo a tlhalosa fa palamente e ikemetse ka bo nosi, e le mengwe ya matshego a mararo a a tsamaisang puso. politics 7 Kgosi Moitoi o bolokilwe Matshwititshwiti a batho a ne a tshologetse kwa Leshibitse ka Matlhatso go boloka mongwe wa baeteledipele ba lefatshe la Botswana. Kgosi Albert Moitoi wa Leshibitse o tlhokafetse beke e e fetileng ka Labotlhano morago ga go kubugelwa ke bolwetse. Dibui ka go farologana di buile tsa ba tsa fa bopaki ka botshelo jwa ga Rre Moitoi mme ba bolela fa e ne e le moeteledipele wa maemo a ntlha ka a ne a busa morafe wa gagwe ka lerato e bile a ba kaela tsela e ba tshwanetse ng ba tshela ka yone. Mopalamente wa kgaolo ya Mochudi Bophirima, Rre Gilbert Mangole, o kaile fa Kgosi Moitoi e ne e le moeteledipele yo o neng a na le tebelopele e bile a rata ditlhabololo fela thata. A re ka nako tse dingwe o ne a tle a mo reye a re o itse gore batho bangwe ba lebela motse wa gagwe kwa tlase mme ene o itse gore ditlhabololo di tla nna teng ka jaana motse wa Leshibitse e le motse o motnle fela thata. Rre Mangole a re kgosi o ne a batla tsamaiso e e tlhamaletseng mme e ne e fa motho a tswa mo tseleng a mo gakolole ka bonako. A re gape e ne e le motho yo o lorato fela thata mme e bile a le tlhaga mo tirong mme sone seo se ne se mo dira moeteledipele wa popotla. O ne a tlatsa ka gore e ne e re a go amogela mo kgotleng ya gagwe le wena o ikutlwe gore o amogelesegile mme a supa gore tiro ya gagwe o e dirile ka bokgabane mme mowa wa gagwe o robale ka kagiso. Kgosi Bana Sekai a re o hutsafaditswe ke go utlwalela loso la ga kgosi Moitoi ka o ne a itse sentle gore ke kgosi ya nnete. A re morafe wa Bakgatla ga wa latlhegelwa o le nosi ka jaana kgosi Moitoi a ne a le boikanyego, a tshephega e bile a na le boammaruri. Kgosi Sekai a re o bone kgosi Moitoi la bofelo ka di 12 tsa ga Tlhakole mme a mo itekodisa fa a sa tsoga mme ba ne ba bua gape ka di 21 tsa kgwedi yo ne eo mme a kaya fa a sa tsoga. A re batho ba ba siamemng ba ba tshwanang le kgosi Moitoi ba a tlhokwa mo setshabeng ka jalo a kopa morafe go tsaya malebela mo go ene bogolo jang ka e ne e le motho yo o sa rateng bosula. Moagisanye ka ene Rre Joseph Mogotsi yo a reng o thibeletse mo motseng oo ka dingwaga tsa bo 1947, o sale a itsile Kgosi Moitoi ka nako eo a santse a bereka mo lephateng la temo thuo. A re baeteledipele le bokgoni ja ga kgosi Moitoi bo sa le bo ithsupile ka yone nako eo ka a ne a okametse babareki ba bangwe mme o ne a dira tiro ya gagwe ka lorato. Rre Mogotsi a re ene e re fa yo mongwe a dule mo tseleng, o ne a mo kaela mme a mmusetse mo tseleng ka lorato le le makatsang mme seo se ne se supa sentle baeteledipele jwa gagwe. Ka jalo o ne a kgotlhatsa ba lwapa la ga Moitoi le morafe ka kakaretso go tshegetsa serodumo sa gagwe ka jaana ene a dirile tiro mme o saletswe ke korone ya selegodimo. Kgosi George Tlhwane wa Artesia yo o neng a bereka thata le Kgosi Moitoi a re e ne ele motho yo o itseng ditso fela thata mme e bile ba ne ba ithuta gole go ntsi mo go ene. A re ka nako tsotlhe fa ba kopa thuso mo go ene, o ne a ba thusa ka lorato mme e bile e ne e le motho yo o abetsweng botlhale ka o ne a kgona go rarabolola dikgetse tse di thata. Kgosi Tlhwane o ne a supa fa Rre Moitoi a ne a humile dikitso mme ba ne ba tle ba mo thswantsanye le motlobo wa dibuka ka a ne a itse dilo ka bontsi. Kgosi Moitoi o berekile ka lobaka mo lephateng la matlhoko a leruo e le fence foreman mme a tswelela le lone go fitlhela e nna mookamedi. E rile go tloga seetebosigo ngwaga wa 1985 go ya ko phatwe 2001 o ne a direla mo lephateng la tlhabololo leruo mme morago ga go tlogela tiro o ne a dira le ba makgotla a Setswana kwa a tlhokafalang a ntse a direla teng. O tlogela mosadi le bana ba le boferabongwe le bana ba bana ba le lesome le bone le kokomane tse tlharo. BOKHUTLO health 6 Ba Mawana ba lela ka ditlhabololo Banni ba Mawana mo kagolong ya Bokone Bophirima ba ikuetse ka tiego ya ditlhabololo. Ba lela ka ditlhabololo di tshwana le kgokelo ya sediba se se tlaa ba nosang, leobo la kgotla, ba supa fa ba ne ba di solofeditswe mme go se nko e tswang lemina. Ba ikuetse jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente Goretetse Kekgonegile, yo o neng a lekola banni go utlwa dilelo tsa bone le gone go rotloetsa ipabalelo mo segajajejng sa COVID-19. Kgosi Goitseope Gaarewe o supile fa motse oo o godile mme o beilwe ka fa mosing mo ditlhabololong. A re se se ngomolang pelo ke gore ba tshelela mo lenyoreng. A re ba khansele ba kile ba isa ditena go supa fa leobo le tlaa agwa mme ya re morago ba bona ditena tseo di nyeletse go sena le fa e le morero ope le morafe. A re gompieno ba kopanela fela ka fa tlase ga setlhare sa motlopi mme a kopa bogogi go emela ditlhabololo tseo ka dinao. A re o tlhaloganya gore motse oo ga o a tlhomamisiwa mme a kopa gore bogolo ba thusiwe ka leobo fela jaaka motse o o mabapi wa Samedupi o a reng o monnye mme o agetswe leobo. Fa a bua ka sediba, Kgosi Gaarewe a re morafe o ne o itumetse thata e bile o ithaopetse go rema ditlhare gore ba bule tsela e e yang kwa go sone, mme maiteko a bone a seka a tswa tema ka jaana tiro eo e sa wediwa e bile tsela e medile ditlhare gape. O ne a kaya gape fa a tshwenyega ka matshelo a bagodi. A re ba tsamaya sekgala go ya Chanoga go tsaya lemme le bone la kgwedi le kgwedi mme a kopa gore ba atumelediwe ditlamelo ka jaana bangwe ba godile thata. Mo go tse dingwe, o ne a ngongorega gape ka go emisiwa ga lenaneo la Ipelegeng le a reng le ne le tshetsa malwapa ka bontsi e bile ba kgona go tlhabololo metse ka lone, mme jaanong a gakgamadiwa ke gore ga twe le tsweletse fela kwa metseng e e nang le dikole. Kgosi Gaarewe o ne a supa gape fa go na le ba kompone ya motlakase ba ba direlang mo kgaolong ya gagwe. A re ga ba thuse ka sepe go tlhabolola motse kwa ntle ga go solofetsa go ba neela dicaravan tse pedi fa tiro ya bone e wela. Ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ba ne ba gatelela mafoko a ga kgosi ba supa fa motse o saletse kwa morago ka dilthabololo. Fa a tsibogela dikgang tseo, mokhanselara wa kgaolwana eo, Rre Geofrey Sekuni o ne a tlhalosa fa e le boammaruri ba ne ba solofeditswe leobo e bile ditena di ne di gorogile. Le fa go ntse jalo ba ofisi ya ga molaodi ba ne ba supa fa go diragatse phoso leobo leo le ne le sa tshewanela go agwa kwa Mawana ka jaana a ise a tlhomamisiwe go nna motse. A re khansele e ne ya tsaya ditena tseo mme leobo leo le tswa go agwa kwa Tsau. O boletse fa morafe o ne wa rerisiwa ka phosego eo. Mo go ya sediba, Rre Sekuni o tlhalositse fa tiro e ne ya neelwa rakonteraka wa mo gae mme a thapa rakonteraka yo mongwe go mo thusang go phunya sediba. A re bobedi joo bo ne jwa tlhoka kutlwisisanyo ka rakontereka wa bobedi a ne a batla go amoga yo o mo thapileng tiro eo mme ene a bona go le botoka go ithola tiro ka a re e madi mannye. O boletse fa khansele e le mo thulaganyong ya go phatlalatsa tiro eo gore boradikonteraka ba ikopele gape. A re seo se tlaa baka tiego e nngwe gape. A re sediba se ka bo se sa bolo go fela se setse fela ka go kopa madi a go goga metsi go nosa morafe, mme a kopa banni go nna pelotelele. Mopalamente Kekgonegile o ne a solofetsa kemedi ya motia, a re ba tlaa leka ka bojotlhe gore ditlamelo di tshwana le metsi di latele batho. A re segajaja sa COVID-19 se ba supegeditse gore ditlamelo di tshwanetse tsa latela batho. politics 7 VDC pinagare ya ditlhabololo tsa motse E re ka jaana komiti ya ditlhabololo tsa motse e le yone palamente ya legae e bile e le yone mmangmmang mo ditlhabololong tsa motse, go botlhokwa gore komiti e kopane kgapetsakgapetsa go lekola gore e kgonne eng, go retetse fa kae. Tsamaiso e ya dikomiti tsa ditlhabololo tsa magae e setse e le selo modiro go ralala lefatshe ka bophara ka kemo-nokeng ya dikhansele. E rile a bua mo potsolosong le A re goromente o lemoga botlhokwa jwa VDC ke sone se a e lekodisang pele ga a ka tsaya tshwetso nngwe ya go tlhabolola motse wa Lehututu. O tlhalositse gore lenaneo la Ipelegeng le e leng lone le femang serodumo sa letlhoko la ditiro ka go thaba batho ba bantsi ka nakwana mo motseng le tsamaisiwa ke VDC le khansele potlana ya Hukuntsi. A re se itumedisang ke gore bobedi joo bo itse go tshwara teu mmogo. A re ditiro tsotlhe tsa Ipelegeng ba leka gore di fela ka nako ee beileng le ntswa go kgona go nna le madiadia fale le fale. Rre Ramomo a re VDC e thusa gape thata ka fa babereki mo motseng boroko, le ntswa e lebangwe ke kgwetlho ya babereki ba ba sa dueleng ka fa tshwanelong mo ba felelang ba na le dikoloto tsa mekoakoa ya madi. A re komiti ya gagwe e tshwere phage ka mangana go leka go batla dikoloto tsa VDC dingwe mo teng e le tsa dingwaga tsa bogologolo. Sengwe se se tshwanetseng go itelwa legofi, a re komiti ya gagwe sale e tsaya kwa ngwaga wa 2016 e dirile maiteko a go batla ditsela dingwe tse di ka ba thusang go fenya kgwetlho eo ya go sa dueleng sentle. A re komiti ya ditlhabololo jaaka e le yone pinagare ya ditlhabololo, e tshwanetse go nna le madi mo letloleng gore e kgone go tlhabolola motse, a tlatsa ka gore madi a VDC a tshwanetse go dirisiwa sentle ebile ga go a tshwanela go tsaya lobaka lo loleele dibuka tsa madi di sa dubiwa. A re maloko a komiti ya ditlhabololo a tshwanetse go itse fa batho ba ba tlhopile ka ba na le tshepho le tumelo mo go bone ya gore ba tlaa dira tiro ya bone ka natal le manongthoto. A re maloko a tshwanetse go itshwara sentle fa pele ga morafe ka nako tsotlhe e bile ba thamega go nna ba ntlha go araba pilediwa nngwe le nngwe kwa kgotleng, a tlatsa ka gore batho ba seka ba tsenela VDC gore batle ba berekela ruri mo Ipelegeng jaaka e setse e le tumelo ee jwetseng mo morafeng wa bone. Le go ntse jalo, Rre Ramomo a re ga a jesiwe dilwelang ke boitsholo jwa bangwe batho mo motseng ba ba tsayang gore VDC ke lekgotla la bopelotlhomogi mo e reng ba fiwa matlo a bonno kana a borekisetso ba seke ba dirisane sentle le komiti. BOKHUTLO politics 7 Masalela a tlaa bolokwa gape Masalela a baswi a a katolotsweng ke dikatakata tse di epelang diphaephe tsa metsi mo lenaneong la kgokelo ya dipompo go tswa bokone go ya borwa, a tlaa bolokwa Mopitlo a rogwa. Badiri ba lenaneo leo ba epolotse marapo a batho ba ba saleng ba fitlhilwe kwa masimong a Maotokgonyana fa ba ne ba epela diphaephe fa gare ga Moralane le Palapye. Mogolwane wa lephata la metsi, Rre Jonase Ramosalagadi, a re dikatakata tse di epang go tsenya diphaephe tsa metsi, tse di epelwang kwa teng, di feletse di feta fa mabitla a a kileng a bo a le teng bogologlo mme seo sa raya gore ba epolole marapo a baswi. Ba ne ba tsaya marapo ao, go a baakanyetsa go ka ya go bolokwa gape.O tlhalosa fa tirelo yotlhe e tlaa tshwarelwa kwa kgotleng, mo boleng teng jwa ba masika. Rre Ramosalagadi o ne a tlhalosa fa ditshenyegelo tsotlhe di ya go nna mo maruding a puso, ke gone ka moo ba neng ba bona go tshwanela go rerisana le molaodi le borara ka tiro eo gore ba ba tswe thuso ya ka fa e ka dirwang botoka ka teng. O tlhalositse fa go epolotswe ditopo di le nne, mme tse pedi go lebega di sa angwa ke kepo eo. A re ba lekile go batla ditopo tse dingwe gore ba di tseye tsotlhe mme ga ba a tswa ka sepe. Bokhutlo society 9 Letsholo la Kgomokhumo le tsweletse ka go upolola tshenyo Mapodisi a tshwere banna ba le babedi fa ba bangwe ba bararo ba tsene ka lenga la seloko morago ga go fitlhelwa ka dinama tsa dikgomo tse go belaelwang e le tsa bogodu. Moanamisa mafoko wa mapodisi a Botswana, Assistant Commissioner Dipheko Motube, a re babelaelwa ba tshwerwe maabane kwa masimong a Maologane kwa kgaolong ya Borwa. O boletse fa mapodisi a ne a longwa tsebe ke komiti ya balemi barui ya masimo ao. A re mapodisi a fitlhetse babelaelwa ba thinkgetse ba bua dikgomo tseo. E rile ba bona segopa sa komiti se ba atumela ka go belaela gore ba a senya, ba bararo ba le botsa phokoje fa ka lesego ba bedi ba tshwarwa, ga tlhalosa Rre Motube. Rre Motube o boletse fa ba tshwere ba belaelwa ebong Rre Johannes Kefitile wa dingwana tse masome mararo le bongwe wa kgotla ya Gomodutwa kwa Kanye le Rre Kabelo Nkaunyana yo ene a leng dingwaga tse masome a mararo le bone yoo itsegeng thata ka leina la Selailai wa kgotla ya Mahikana kwa Kanye. O tlhalositse fa babelaelwa ba santse ba na le dikgang tse dingwe tsa bogodu ja leruo tse di santseng di ba emetse kwa kgotleng ya ga mmakaseterata. A re bobedi jo ke bangwe ba batho ba ba ipopileng setlhopha go utswa leruo. Rre Motube o kgothaditse barui go tlhokomela dikgomo tsa bone le go itse palo le mebala ya tsone ka kakaretso. O tlhalositse fa barui ba setse ba kgobegile marapo ke magodu a sa bolong go ba senyetsa mme go sena nko ee tswang lemina. O boletse fa magodu gantsi ba rekisetsa bo mmelara kwa Lobatse, Kanye, Mogoditshane le Gaborone, mme a bolela fa le bone bareki ba, batla di gama ba sa ditlhapela. O kopile barui go ikopanya le go bereka le mapodisi go laola seemo sa bogodu. A re leruo ke lone Motswana a itshetsang ka lone. Le fa gontse jalo maloko a komiti ya masimo a Maisane le masimo a mangwe a bone gole botoka go aga setlhopha sa barui se se tla nnang matlho a mapodisi mo go begeng ba ba senyang. Komiti e ya: Ga le bolo go ja lele nosi, e agilwe ke setlhopha sa barui. Mothusa modulasetilo wa komiti eo, Rre Rebaone Motswagoleele, o tlhalositse mo potsolosong fa ba agile komiti morago ga gore ba bone leruo la bone le nyelela ka bontsi. O boletse fa ba na le dikgoreletsi ka gore bangwe ba maloko a bone ba diiwa ke nnotagi fa bangwe ba ikgogela morago. Rre Motswagoleele kopile barui go nna ngata nngwe go lwantsha seemo. A re barui ba lela sa ga Ragele ke go utswelwa. Ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse ditsweletse go tshwara ba ba siileng, mme tsholofelo ke go ba bona ka gore ba a itsiwe. crime_law_and_justice 1 Mogokgo o itumelela tirisano mmogo Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Tutume Central, Mme Vinga Mongwaketsi, o lebogetse batsadi le baeteledipele ba motse tshwaragano le tirisano mmogo. Mme Mongwaketsi o buile seo mo moletlong wa dijo tsa motshegare o o neng o rulagantswe ke mokhanselara wa Tutume Bokone, Rre Ishmael Mokgethi ka Labone. A re batsadi ba kgotla ya Madikwe ba supa lerato thata ka le fa ba bilediwa bokopano jwa barutabana le batsadi, ba tla ka makatlanamane. O bile a re ba supile seabe sa bone se setona ka nako ya kago ya ntlo ya ngwao mo sekoleng, a gatelela ka gore kemo nokeng ya bone e ba lebadisa le dikgwetlho tse ba nang natso mo sekoleng, ka fa ba kopanang le tlhaelo teng ba ba tswa thuso. Mme Mongwaketsi a re sekole se lebanwe ke tlhaelo e tona ya matlo a borutelo, mo ebileng mephato e ka nna supa e rutelwa ka fa tlase ga ditlhare mme a re le palo ya baithuti e oketsegile mo e setseng e ya kwa go makgolo a robabongwe. O tsweletse a tlhalosa fa monongwaga ba okeditse ka setlhopha sa bananyana ba ba iseng ba simolole sekole ba ba rutuntshiwang go re ba tlwaela sekole, a re mophato oo ba bone go tshwanela gore ba rutelwe mo ntlong lehala hala ka gore ka fa tlase ga ditlhare go ka seke go ba siamele ka ba bannye. Mogokgo o ne a lebogela lenaneo la Ipelegeng, a bolela fa badiri bao ba thusa thata go phepafatsa sekole, a re bothata jo ba kopanang najo ke gore badiri bao ba romelwa fela kwa go bone ba sa bolelelwe gore ba bereke jang le bone, ka jalo ga ba kgone go lebelela tiro e ba e dirang, ka jalo a kopa ba komiti ya ditlhabololo tsa motse go rerisanya le bone. Fa ba lekodisa ka maduo a lokwalo lwa bosupa a ngogola, o ne a bolela fa sekole se sa dira sentle ka se le mo maemong a masome mabedi le bosupa mo dikoleng tse di masome mane le botlhano tse di mo kgaolong-potlana ya Tutume. A re le ntswa ba sa dira sentle, mo baithuting ba ba neng ba kwalwa ba ba lekgolo le masome mabedi le bosupa, ba le lesome le borobabobedi ba tsere maemo a ntlha, fa ba maemo a bobedi bone ba le masome mabedi, ba maemo a boraro ba le masome matlhano le bongwe fa ba bo dintlhotse ba le masome mararo le borobabobedi. Fa a tswa la gagwe, mokhanselara Mokgethi o ne a galaletsa sekole seo thata, a re le ntswa ba sa dira sentle, mme ba kgonne go ntsha palo e ntsi ya baithuti ba ba tsereng maemo a ntlha fa go tshwantshangwa le dikole tse dingwe mo kgaolong ebile di se palo e ntsi jaaka bone. Rre Mokgethi a re ka jalo, seo se batla kakgolo le thotloetso gore mo nakong e e tlang ba kgone go dira go feta mo ba go dirileng. education 4 Molemisi wa Bobirwa o supa matshwenyego Molemisi wa kgaolo-potlana ya Bobirwa o tshwenyegile ka balemi ba kgaolo eo, ba ba latlheletseng masimo a bone. Fa a bua mo potsolotsong, Rre Fedric Ramontsho a re bangwe balemi ga ba tlhokomele masimo le ntswa ba dirisitse lenaneo la puso la ISPAAD. Rre Ramontsho o tlhalositse fa balemisi ba etetse mangwe masimo mme ba fitlhetse beng ba one ba seyo, e bile go supega a latlheletswe a sa tlhagolwa le dinonyane di tlhotlhorile thobo. A re go sa nna teng ga balemi kwa masimo go dia go metwa ga masimo gore ba duelwe ka lenaneo la ISPAAD ka go bo tshimo e ka seke e metwe mong wa yone a seyo. Rre Ramontsho o supile fa lephata la tlhabololo temo-thuo le tlhomamiso dijo le filwe go fitlha mafelelong a kgwedi eno gore balemi ba bo ba duetswe, mme a supa fa go le madiadia ka gore balemi ga ba ikgolaganye le ofisi ya bone go tla go saenela madi a bone. Molemisi o kaile fa balemi ba ba saenetseng dituelo tsa bone ba sa tle go tsaya madi. O supile fa go santse go na le masimo a le mantsi a a iseng a metwe mme a kopa ba ba iseng ba metelwe go ikopanya le balemisi ba dikgaolo tsa bone. Fa a ama temo mo kgaolong ya Bobirwa, o supile fa e tlaa nna kwa tlase ka go bo balemi bangwe ba sa tlhagolela dijalo e bile ba sa lete dinonyane, mme a supa fa balemi ba metse ya Gobojango, Mabolwe, Semolale, Motlhabaneng, Molalatau le Mathathane bone ba tlaa itswela fela ka ba upuditswe ke ditlou. Rre Ramontsho a re mo dikgaolwaneng dingwe tsa Bobirwa ba solofetse thobo e e botoka le ntswa dijalo dingwe di ne tsa koafadiwa ke letsatsi jaaka mmidi. O supile fa ditema di ka tshwara masome a mararo le bosupa di ne tsa senngwa ke seboko sa segopa, se balemi ba se lemogileng nako e setse e ile, ka go bo bontsi bo sa tlhokomele masimo a bone. society 9 Baeteledipele ba a kgalema Makhanselara le dikgosana kwa Serowe ba kgadile bagolo bangwe ba ba romang bana ba bannye go ba rekela bojalwa le motsoko. Baeteledipele ba buile se kwa thuto puisanong kwa Serowe morago ga go lemoga fa bana bangwe ba sotlega fa ba bangwe ba setse ba inaakantse le nnotagi le botlhokatsebe ba sa le bannye. Ba boletse fa go ngomola pelo gore bana ba bo inaakantse le go nwa majalwa, go goga motsoko le go tlhakanela dikobo ba santse ba le bannye. Mokhanselara wa Tidimalo kwa Serowe ebile e le modulasetilo wa komiti ya boipelego, Rre Solomon Dikgang, o boletse fa go rongwa mo go ntse jalo go dira gore ngwana a lekeletse se a se rumiwang mme pheletsong a bo a nwa bojalwa. O boletse fa jaanong go setse go na le kgang ya gore bana bangwe ba tsaya dipilisi tsa diritibatsi ba di tlhakanya le mantle a bone ba bo ba dira tagi. Rre Dikgang o kopile gore batsadi ba sebopego se se ntseng jalo ba begwe kwa molaong ka gore ba kgotlela bokamoso jwa bana. O boletse gape gore go na le balemi-barui bangwe ba ba tsayang bana ba ba isa kwa merakeng go ba disetsa bogolo jang ba batsadi ba bone ba tlhokang, a re selo seo ke molato ebile go rontsha ngwana thuto. O boletse fa mo kgaolong potlana ya Serowe, ba kwadisitse masiela le batlhoki ba le 1 434. ‘’Batsadi bangwe ba na le puo ya gore ngwana ke wa mmaboipelego, ba mo ithontsha ba sa mo fe lerato le go mo godisa sentle,’’ Rre Dikgang a tlhalosa. Mokhanselara yo mongwe wa Serowe legare, Rre Atamelang Thaga, o kgothaditse batsadi go fa bana ba lerato le thuto e e eletsegang. A re ba rute bana molemo le bosula, ba tswe mo go romeng bana majalwa le go dira ditiro tse di maswe fa pele ga bone, le fa ele go omana fa pele ga bana. Fa ba fa bopaki ka fa ba lekang go kgothatsa bana ka teng, leloko la komiti ya tshireletso bana ebile e le morutabana wa bokaedi kwa sekoleng se se botana sa Majwanaadipitse, Mme Obakeng Mbaiwa o boletse fa ba leka thata kwa motseng oo, go bopa bana ka go etela metse ya bana le batsadi ba ba sa ba tlhokomelegeng sentle, go bona gore ba ja sentle bogolo jang ba dikhutsana. Mme Mbaiwa o boletse fa ba ba etela eseng go ba botsolosa dipotso fela, gape le go ba lemela ditlhare ma maungo le meriti. A re nako tse dingwe ba phutha badiragatsi kwa metseng gore ba tle go opelela bana le go ba ruta gore ba letsa jang, a re ka nako tse dingwe ba tsaya loeto jaaka go etela ko lefelong la diphologolo la Khama Rhino, mme koo ba tseye dikgang le go ba fa dikgakololo gore ba ikgaphe mo dilong tse di maswe jaaka go nwa majalwa, go tshaba sekole le go tlhakanela dikobo. Erile a bua ka mathata a a kgoreletsang maiteko a bone a bolela fa komiti e bona mathata ka nako ya fa batsadi ba ba berekang Ipelegeng, dikatso tsa bagodi le badisa ba amogetse a re go nna tlhakatlhakano ga gona mogolo le ngwana go nowa majalwa go a lowa ebile bana ba tlogela sekole ba sia le batsadi. Bokhutlo society 9 Bayei ba batla kemedi kwa ntlong ya dikgosi Banni ba Bayei ba supile ngongorego ka kopo ya go nna le kemedi kwa ntlong ya dikgosi, e ba tlhalositseng fa ba sa le ba e beile puso pele dingwaga tse di fetileng. Ba boletse jalo kwa phuthegong e e neng e tshwerwe ke tona wa dikgaolo, Rre Slumber Tsogwane, ka Labone fa a tsile go rolela setshaba ka lenaneo la puso la go leka go inola itsholelo mo manokonokong a kwelotlase ya itsholelo ya mafatshe. E rile a supa ngongorego, mokhanselara wa pele, Rre Motlamedi Moqwa, a tlhalosa gore kgang e e ba utlwisa botlhoko ka ba sa le ba eme dingwaga tse dintsi. O tlhalositse gore e le morafe wa Bayei se se ba baya ka fa mosing, gape ga go supe fa kgang ya bone e ka rarabololwa. E rile a araba, tona a supa fa kgang e puso e e itse mme a ba rurifaletsa fa ba tlaa arabiwa pele ga ngwaga o fela. O tlhalositse gore puso e a leka thata go bona gore tshaba ya Botswana ga e utlwe manokonoko a kwelo tlase ya itsholelo ka jalo,ba tsile ka mananeo a tshwana le dikago,ditsela le ditlamelo tse dingwe go fokotsa seemo se kwelo tlase ya itsholelo e kileng ya baya setshaba le puso ka fa mosing. O tlhalositse gape gore puso e tlaa fokotsa go tsaya ditirelo kwa ntle ga lefatshe mme o kopa bagwebi go tsaya sebaka se mme ba se dirise sentle. O kgadile bogolojang beng ba dikonteraka ba ba nnang ba fiwa ditiro mme ba sa dire tiro ka bokgabane a tlhalosa gore go nna maoto a tshupa mo tirong le gone go imela itsholelo ya lefatshe. Morafe wa Gumare gape o ne wa bolelela tona gore ga ba itumedisiwe ke tsamaiso ya go aba ditiro mo kgaolong-potlana ba supa gore go na le boferefere jo bontsi mo go felelang banana ba motse ba sa fiwe ditiro mme go neelwe batho ba tswa dikgaolong tse dingwe. Ba kopile tona gore ba itemogetse gore fa modirelapuso a nna lobaka mo kgaolong,ga a bereke sentle le bone ka jaanong tlwaelo e mo sira mo matlhong. Ba kopile gore badirelapuso ba nne dingwaga di ka tlhano mo lefelong mme eseng go feta foo. E rile a araba tona a dumalana gore dikopo tsa bone di tlaa sekasekiwa mme a kopa badirelapuso go bereka ka natla. Mopalamente wa kgaolo Rre Thato Kwerepe e rile a ntsha malebo, a akgola tona go bo a tsere sebaka mo mogoteng o o kana go tla go rerisa setshaba. O buile a sa kgwe mathe ka tlhaelo ya boroko kwa sepateleng sa Gumare, mme a kopa gape gore puso e sekaseke go baakanya sepatela ka se baya balwetsi ka fa mosing. politics 7 Re a Nyalana e botlhokwa Kgosi Girl Jacobs wa Gakhibana kw kgaolong ya Kgalagadi o gwetlhile banni ba kgaolo eo go ikwadisa mo mokgatlhong wa Re a Nyalana ka o ka sologela molemo baratani ba ba tshelang mmogo lebaka le leele ba sa nyalana. Mo tshimolodisong ya mokgatlho o mo kgaolong ya gagwe jaaka go ne go nyadisiwa baratani ba le borobabongwe ba dingwaga tse di magareng ga masome a mararo le bone go ya kwa go masome a supa mo motseng oo bosheng, Kgosi Jacobs o tlhalositse fa a utlwaletse mokgatlho oo mo seromamoweng le mo thelebisheneng mme a nna le kgatlhego ya go batla go tlhaloganya gore maikaelelo a one ke eng morago ga go tshwenngwa ke baratani ba nnang mmogo lebaka ba sa nyalana mo motseng wa gagwe. O supile fa a ne a itshwaraganya le ofisi ya ga molaodi go tlhaloganya botoka mme kopo ya gagwe ya atlega mme mokgatlho wa goroga mo kgaolong eo. Kgosi Jacobs a re dikgang tsa baratani ba ba tshelang lebaka ba sa nyalana di na le ditlamorago tse di ngomolang pelo mme a supa fa di ba tshwentseng fela thata ele ba bogosi. A re gantsi fa go tlhokafetse rre, batsadi ba gagwe ba lwela dithoto ba lebala gore o tlogela bana. E rile a nyadisa le go laya banyalani, mothusa molaodi, Mme Peggy Kutlase a tlhalosa fa ba lebogela mokgatlho o maikaelelo magolo a one e leng go rotloetsa manyalo a a ka fa molaong mo lefatsheng leno ka bophara. O tsweletse a tlhalosa ka molao o mosha wa lonyalo wa tlhakanelo dithoto o o tseneng mo tirisong kgweding ee fetileng ya Phatwe. O kopile banyalani go tlotlana le go ratana ka nako tsotlhe a kaya fa therisano, puisano le go gakololana e le di ya thoteng di bapile mme di ka aga lelwapa le le itsetsepetseng. Mme Kutlase o boletse fa balaodi ba sa beye sebete tlhalano ka e na le ditlamorago tse di amang bogolo jang bana. O supile fa banyalani ba tshwanetse go kgaoganngwa fela ke loso kana go kgaogana semmuso kwa makgotla tshekelong fa ba paletswe ke go tshela mmogo jaaka ba ikanne fa ba nyalana. O tsweletse a gwetlha banni ba Kgalagadi go inaakanya le go ikwadisa mo mokgatlhong oo ka o ka thusa thata go fokotsa dipalo tse dintsi tsa baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana mo kgaolong eo. E ne e rile a akgela go le pele, Sergeant Itumeleng Morobisi go tswa Tsabong a kgala borre ba ba kgokgontshong bomme morago ga go ba nyala mme a ba kopa go tlogela mokgwa oo gonne a re motho a ka tseelwa dikgato tse di gagametseng fa dira jalo. Sergeant Morobisi yo gape e leng moruti wa kereke ya E.R.P Unity Church o gwetlhile banyalani bao go kopa dithuso le dikgakololo mo go ba ba lebaneng ba tshwana le mapodisi, balaodi, baruti le dikgosi go ba sidila maikutlo le go tswa ka ditharabololo tsa dikgang tse di ba tshwenyang mo diemong tsotlhe tse ba kopanang le tsone mo botshelong. Mokhanselara wa motse oo, Rre Merapelo Mosarwe o boletse fa a leboga ba mokgatlho oo thata ka o le mosola fela thata gonne o tla naya banni ba kgaolo eo seriti sa go nyalana ka fa molaong ka ba ntse ba sa kgone ka ntlha ya go tlhoka dithata. Rre Mosarwe o kopile dikgosi tsa metse e mengwe go tsaya malebela mo go bone gore le bone ba tle ba akole lenaneo leo. society 9 Banni ba Shoshong ga ba batle khadi Banni ba Shoshong ba supile fa ba sa batle bojalwa jwa khadi mo motseng wa bone, e bile ba kopile bogogi go ba kopela mo pusong gore thekiso ya jone e emisiwe. E re le ntswa khadi e le nngwe ya majalwa a Setswana a a letleletsweng go rekisiwa ka fa molaong, banni ba ne ba supa fa ba sa jesiwe diwelang ke mokgwa o khadi ya malatsi ano e dirwang ka teng. Kgosi Etlhasetse Tlale wa kgotla ya Phaleng, o ne a tlhalosa gore go tswa bogologolong, khadi e ne e dirwa ka motswako wa mogwana le sukiri, selo se se neng se bo baya mo seemong se se siametseng go ka nowa ke batho. A re mme go supagala fa baapei ba segompieno ba bo tsenya metswako e e sa letlelesegeng jaaka motsoko wa motokwane, le dipilisi go bo oketsa bogale ka jalo bo nne borai mo botsogong jwa batho. Mongwe wa batsaya karolo mo phuthegong e, Rre Modisa Mphetolang o ne a bua a menne phatla ka fa bojalwa jo bo koafatsang e bile bo tsofatsa batho ka teng. Rre Mphetolang o ne a kopa gape gore go emisiwe le thekiso ya majalwa otlhe a masesanyane jaaka tutu, laela mmago, tla o jele le sekhamfothane, mafoko a batsaya karolo ba bangwe ba ne ba a iteela legofi. Phuthego e e ne e tshwerwe ka maikaelelo a go lekodisana ka seemo sa motse go akarediwa dikgang tsa dipatlo le manyalo, go runya ga bo maipaafela, borukutlhi, kapei le tsamaiso ya bojalwa jwa Setswana le seemo sa bophepa sa motse. Kgosi Mosinyi Mosinyi wa Shoshong o ne a lemotsha banni lebaka la gore motse o tletse leswe thata mo e bileng o ne wa tswa kwa mogatleng mo dikgaisanong tsa bophepa tse di neng di tshwerwe bosheng, ka jalo a ba kopa go tsibogela seemo se le go tswa ka megopolo ya tharabololo. E rile a akgela mo mafokong a kgosi, Rre Gasegope Morwamang o ne a supa fa a lemogile gore seemo sa matlakala se befisiwa ke go senyega ga terata e e ageletseng lefuti le letona la matlakala le le kwa Phephenyane, leruo le le sailang mo motseng le bagwebi bangwe ba ba sa latlheng matlakala sentle, mme ba bolaisi badiri ba Ipelegeng go ba selela matlakala. Rre Morwamang o ne a tswa ka mogopolo wa gore go agiwe masakana a go tlaa latlhelwang matlakala teng mo dikgotlaneng gore koloi ya khansele e a tseele teng, go na le gore a bewe fa thoko ga tsela a bo a tshololwa ke leruo. O ne a tlatsa ka go kopa banni go ntsha leruo mo motseng ka e bile le sielwa metsi a setshaba, selo se se seng ka fa molaong e bile se oketsa tlhaelo le dituelo tsa metsi. Fa a ama ntlha ya borukutlhi jo bo sa laolesegeng e bile bo golela pele, Rre Meshono Kanokang o ne a tswa ka mogopolo wa gore, e re ka motse o le motona gape o atologile, ba sepodisi ba kope ditsha tse di tlaa tlhomang diofisi tsa nama o sa tshwere. O ne a fa sekai ka malwapa a a kwa Phephenyane kwa a supileng fa go atologetse kgakala le motse mme go dire gore go nne thata gore mapodise a fitlhe teng ntateng ya tlhaelo ya dikoloi. E re dikgang di eme jalo, banni ba ne ba nna le sebaka sa go thapiwa go nna batsaya karolo mo motshamekong wa motshekhinyego o o tlaa supang botshelo ja Tautona wa pele wa lefatshe leno Sir Seretse Khama le mohumagadi wa gagwe Lady Ruth Khama, le dikgwetlho tse ba neng ba di ralala society 9 Semong ga a ipone tsapa Ga go sepe se se kalokalo se ke ka se ntshang ka se supegetsa setshaba gore mo dingwageng tse di fetang masome a matlhano ke ntse ke le mmetli ke ile ka se fitlhelela. Se ruri ga se seemo se se jesang monate le eseng. Mme le gale ka la Motswana le re, ga bo se gangwe, ke na le tshepho le tumelo ya gore ka lengwe la malatsi, bokgabane le botswerere jo ke nang najo mo tirong ya me bo tlaa tswela mo mpaananeng. A ke mafoko a ga Rre Tuka Semong wa Nkoyaphiri kwa Mogoditshane. Rre Semong o tshotswe ka ngwaga wa 1948 mo kgotlaneng ya Matlanyana kwa Gabane. O tlhalositse gore nako e a neng a simolola go betla, go ne go se motlhofo go ka itirela botshelo jwa sennela ruri ka talente ya gagwe ya go betla ka jaana maloba jale kgomo le podi e ne e le tsone konokono ya botshelo jwa Motswana. O ne a tlhalosa gore e ne e re fela fa o simolola go aloga o le ngwana wa mosimane o rutwe go tsaya kgomo ka motlhala. “Ga ke tswe fano le tiro e. Go betla go setse go le mo mading ame. Fa ke santse ke le monana, ke ne ke betla dintshwana tse di jang, tse di apayang, ditafole, disaeteboroto le tse dingwe.” Ga tlhalosa Rre Semong. A tswelela ka go tlhalosa fa sebe sa phiri e nnile nako e a tseneng mo tirong e ka yone. A re maloba jale go ne go se bonolo go ka gola mo mohameng ope fela kwa ntleng ga temo-thuo. Rre Semong, yo mo malatsing a gompieno a itebagantseng thata le go betla ditilo, a re mme le fa go ntse jalo ga a ise a ikgagolake diaparo kana a supe ope ka monwana. A tswelela ka go nna boineelo le bopelo telele mo tirong e a neng a dumela fa e le yone e mo tlhalosang botoka. A re o itumelela gore le fa a sa ela tiro e ya go betla kwa sekolong, o e itse jaaka namane e itse mmaayo. O supile gore le fa a setse a le dingwaga tse dintsinyana jaana mo botshelong go ka nna le ditoro dipe fela tse di kalokalo, se se mo nametsang pelo le go feta ke ka fa Batswana ka bontsi ba setseng ba simolotse go mo etela go reka ditilo tsa gagwe. “Se se itumedisang fela thata ke ka fa Batswana go lebegang ba kgatlhegela diatla tsa me ka teng. Ga ke ise ke goroge mo seemong se ke ka rayang batho ka re tiro e e ntshetsa le bongwanake, mme fela gone go a solofetsa ka jaana ga ke sa tlhole ke lala ka tlala. Le fa dinako tse dingwe ke busediwa morago ke tse di tlhokafalang mo tirong e jaaka dipolanka jaana, gone ke gatetse pele.” A bua jalo a tletse ka boitumelo. Rre Ineeleng Kelateletswe, e leng moagisanyi wa gagwe a re le ene fela jaaka bontsi jo bo tshologelang mo lwapeng la ga Rre Semong go tla go reka tse a di betlileng, o lemogile fa rre yo a na le maitemogelo a a kwa godimo mo tirong ya gagwe. O tlhoka fela kemo nokeng mo Batswaneng. “Ke rre yo o lebegang a le boineelo mo tirong ya gagwe e bile a na le lerato thata mo go se a se dirang. O diatla dintle rre yo. Ke e tle ke bone botlhe ba ba rekang mo go ene motho a tswa a tletse ka boitumelo fela.” Ga supa jalo Rre Kelateletswe. Kwa phelelong Rre Semong o ile a kgothatsa botlhe fela ba ba nang le ditoro le dikeletso tsa go betla bogolo jang banana go ikitaya ka thupana le go nna bopelo telele le boineelo ka dinako tsotlhe gore ba kgone go tswelela. society 9 Mhama wa di-tswa mmung o a gola Go akanyediwe gore mo dingwageng tse tlhano tse di tlang, meepo ya lefatshe leno e tlaa bo e godile go menagane. Mookamela Botswana Chamber of Mines, Rre Charles Siwawa a re lefatshe leno le humile di-tswa mmung mme tse dingwe di ntse di a bonwa go dikologalefatshe, a tlatsa ka go re boitseanape jwa meepo e sa ntse e tsile go nna kgwetlho mono gae ga mmogo le lefatshe ka kakaretso. E rile a bua mo thuto puisanong e rulagantswe ke lephata la kgotetso le metsi le Botswana Chamber of Mines, Rre Siwawa a re ba ne ba ntse ba tsaya baitseanape go tswa mo kgaolong eno le lefatshe ka bophara mme seo ga se kake sa diragala mo nakong e e tlang. A re se se molemo ke gore lefatshe leno jaanong le simolotse go ithutela batho ba lone go emelelana le letlhoko le. A re mo nakong e e fetileng, ditshipi di ne di kopanngwa mono di bo di romelwa kwa mafatsheng a motlakase le baitseanape ba leng teng, mme a tlhalosa fa go supegile gore go dirwa ga ditshipi mono go botoka go na le go di romela kwa mafatsheng a sele. A re gape go tlhalosiwa gore ga se gore motlakase o nne teng o le montsi fela mme gape o tshwanetse wa bo o le tlhwatlhwa tlase ka gonne dipitsa tse di dirisiwang go gakolosa ditshipi di dirisa motlakase oo montsi fela thata. Rre Siwawa o tsweletse a re go nna le bomaitseanape ke sengwe sa konokono ka gonne go tlhokana le boitseanape jo bo kgethegileng mo meepong, a tlatsa ka gore go akola di-tswa mmung go tshwanetse ga lebelelwa mo go reng go tsisa boleng mo lefatsheng e seng fela gore go lebelelwe thekiso ya tsone. A re sebaka sa go bona ditiro mo lefatsheng leno ga mmogo le dipoelo ka lekgetho ke sengwe se se teng fa go lebilwe dipoelo mme seo ga se kake sa ikgatholosiwa fa go lebilwe seemo sa letlhoko la ditiro se se apereng lefatshe le mo nakong eno. Rre Siwawa a re go na le koketsego ya tiriso ya kopore ka gonne batho ba a oketsega ka jalo a re kopore e e ntshiwang ga e na go kgona go lekana palo ya batho fa e se fela fa go ka bulwa meepo e mesha. A re ka 2017 go tlaa bo go na le tlhaelo ya kopore fa e le gore go tlaa bo go ise go bulwe meepo e mesha, a supa fa tlhwatlhwa ya kopore le yone e tlaa tsholetsega ka gonne e tla bo e sa lekane batho ba ba teng. Fa a bua ka iron ore (tshipi), a re e sa ntse e le ntsha mo lefatsheng leno, ka jalo a re go tshwanetse ga tshwaraganwa le mafatshe a mangwe go kgona go dira gore meepo e akolwe ke setshaba, a supa fa India le China di tlhokana le tshipi fela thata. Tona wa kgotetso le metsi, Rre Kitso Mokaila o tlhagisitse dikhamphani tsa meepo go thapa Batswana ba ba rutetsweng ditiro tsa meepo, a tlatsa ka go re go seka ga nna baitseanape bape ba ba tlaa thapiwang go tswa kwa ntle fa go na le Batswana ba ba rutetsweng tiro eo. A re puso e tsere tshwetso ya go laela lephata la pereko le selegae go tsenya leitlho mo meepong go netefatsa gore ba diragatsa kgang ya go thapa Batswana, a supa fa go sa tshwanela gore go batlwa baitseanape ba ba setseng ba le teng mo lefatsheng leno kwa mafatsheng a sele, mme go tshwanetse ga direlwa Batswana ditiro gore itsholelo le yone e tokafale. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Dikereke di obamela tshwetso ka corona Baruti ba dikereke dingwe kwa Kanye ba boletse fa ba obamela tshwetso e e tserweng ke puso ya gore fa batho ba phuthegileng teng mo ditirong di akaretsa mafelo a kobamelo dipalo tsa bone di seka tsa feta tse di beilweng, seo e le go fokotsa mosuke wa batho ka maiteko a go itepatepanya le go lwantsha go ka anama ga COVID-19. Mo potsolotsong le BOPA, motshwarelela modulasetilo wa lekgotla la baruti mo Kanye Mme Vivian Masibi yo e leng bishop kwa Peselema 23 Apostolic Church, o boletse fa go le matshwanedi go sekegela tsebe tshwetso e e tserweng ke puso ya go fokotsa mosuke wa batho mo ditirelong. Bishop Masibi a re dikereke le tsone di tshwanetse go tsibogela seemo se go sireletsa matshelo a batho. O tlhalositse gore go rapela ga se fela fa motho a tsene ka kgoro ya kereke, ka jalo batho ba tlhoafalele go rapela mongwe le mongwe fa a teng. A re go ya kerekeng ke go supa fela gore motho ke mophuthegi le gore go na le bareri ba lefoko. Bishop Masibi a re go ema ka nakwana motho a sa ye kerekeng ga go reye gore o kgaogane le Modimo, a tlhalosa gore kereke e a obamang kwa go yone e tlaa nama e emisitse tirelo ya tshipi, mme ba tlaa tswelela ka dithapelo ba le kwa malwapeng. A re ba dira jaana ba setse morago Setswana se se reng tlotlang kgosi, boifang Modimo, seo e le go sekegela tsebe molaetsa wa ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi. A re lefatshe leno le filwe kgololesego ya go rapela, mme gone setshaba se tshwanetse go itse gore ba mo tumelong e e ikaegileng ka molao wa lefatshe. Fa a tswa la gagwe, modiredi wa tsa tsamaiso ya kereke kwa Rapture of Saints Church (ROSC) kwa Kanye, Rre Kago Seralanyane o tlhalositse gore corona ke seru se se wetseng lefatshe, a tlhalosa fa kereke ya gagwe e tsibogetse kgang eo ka mashetla, selo se a reng se pateleditse moeteledipele go tsaya nako e ntsi ya ditiro tsa gagwe a rapela, le ka nako ya potsolotso e o ne a seo a le ko thapelong. Rre Seralanyane o tlhalositse fa kereke eo le yone e tsibogetse molaetsa wa go fokotsa mosuke wa batho mo ditirelong dingwe, ka jaana gone go ka nna ditlhong fa kereke e itlhokomolosa tshwetso eo, O tlhalositse gore kereke eo ke phuthego e tona e e nang le palo e ntsi ya batho mme fela ba bone go se maleba go emisa tirelo ya tshipi, a re boeteledipele bo dule ka mogopolo wa gore mo nakong eno tirelo ya tshipi e kgaoganngwe ka ditlhopha tse tharo go fokotsa mosuke. Rre Seralanyane a re tirelo ya ntlha ya tshipi e tlaa nna ya banana, a tlalosa fa e tlaa tsena ka nako ya boferabobedi go fitlha ka nako ya lesome mo mosong ka jaana maikaelelo e le gore ditirelo di seka tsa tshwarwa go feta di oura tse pedi. A re tirelo ya bobedi e tlaa nna ya bomme e e tlaa tsenang ka nako ya lesome e fela ka nako ya lesome le bobedi tshokologo, mme ya bofelo e nne ya borre go tswa ka nako ya lesome le bobedi go ema ka ya bobedi tshokologo. Rre Seralanyane a re go tlaa nna le batho kwa kgorong e e tsenang ka dikago tsa kereke go baya seemo leitlho gore a palo e e tsenang ga e fete e e beilweng. O tlhalositse gore gape e le kereke eo ba ipapanne ka metsi le molora go tlhapa diatla. O tlhalositse gore baphuthegi ba kereke eo ba e leng baoki le dingaka ka tiro le bone ba na le seabe sa go tlhomamisa gore itshireletso ya botsogo e a obamelwa kwa kerekeng eo, le go ba thusa go anamisa molaetsa wa ba lephata la botsogo tebang le go lwantsha bolwetse joo le go thibela go ka anama ga jone. Mokwaledi mogolo wa lekgotla la baruti kwa Kanye, Rre Paul Tsitsi e bile e le moruti wa Headmountain of God Apostolic Church ene o supile matshwenyego ka dikereke tse di seng mo lekgotleng la baruti a re golo gongwe di tlhaelwa ke molaetsa o o tswang kwa makgotleng a dikereke jaaka la OAIC, Botswana Council of Churches, Evangelical Fellowships of Botswana, ka jalo a kopa dikereke tse di senang kemedi ko makgotleng ao go itsosa, a gatelela gore e re le mororo ba utlwa molaetsa ka seromamowa fa go na le bothata jo bo wetseng lefatshe jaaka jwa corona, ga go a lekana. Moruti Tsitsi a re nako e go thata go tlhoka dikereke di rapela ka tlhoafalo e seng go ikgogela morago fela ka ntlha ya dipalo. A re se se botlhokwa ke go tswa ka maano a go fokotsa mosuke, le go obamela nako ya dioura tse pedi mme fela tiro ya Modimo e dirwa. A re gone ke nnete gore go rapela ga se kwa kerekeng fela, mme mo nakong eno go botlhookwa gore setshaba se tlhome thapelo kwa setlhoeng. Boraro joo jwa baruti ba kopile baphuthegi ka go farologana gore e re ntswa paseka e tla gangwefela ka ngwaga, le fa e ka ba tlola ngwaga ono seo se seka sa ba utlwisa botlhoko ba tlhaloganye gore ga se go rata ga motho ke ka ntlha ya seemo se ope a neng a sa se solofela. religion_and_belief 8 Emisang go thapa Batswakwa - mogolwane Mogolwane wa mapodisi e bile a eteletse pele letsholo la Kgomo Khumo 3 Superintendent Boitshepho Mudongo o kgadile mokgwa o o dirwang ke barui bangwe wa go thapa batswakwa kwa merakeng. Superintendent Mudongo a re bontsi jwa ditiro tsa borukhutlhi mo lefatsheng leno di dirwa ke batswakwa mme ba dira jaana ka thuso ya beng gae, a netefatsa fa se se rurifaditswe ke diemo tse ba kopaneng le tsone fa ba ntse ba tsweletse ka letsholo la KgomoKhumo. O ne a bua jalo mo potsolosong bosheng fa ba ne ba tshwere letsholo la KgomoKhumo kwa metseng ya Tswapong Bokone. A re mo dibekeng tse pedi fa ba le mo kgaolong ya Tswapong Bokone ba kgonne go tshegetsa batswakwa ba borre ba le bararo mabapi le dikgang tsa bogodu jwa leruo mme ka letsholo le le santse le tsweletse a supa fa ba na le tumelo ya gore dipalo tse di tlaa a oketsega. Superintendent Mudongo o rurifaditse fa e le ruri letsholo le le tswa maduo, selo se a reng se supilwe ke lesaka la matimela kwa Tamasane le a reng le ne le tletse ka leruo le go belaesegang e le la bogodu. A re ba kopana le diemo tse mo go tsone ba kgonang go fitlhela leruo le tlhatlagantswe ditshipi mme morago ga ditlhotlhomiso ba lemoge fa di ne di rekisitswe ka bokukuntshwane. O ne a tlatsa ka go re kwa Tswapong Bokone ba setse ba kgonne go busetsa dikgomo di le lesome le borobabobedi kwa go beng morago ga ditlhotlhomiso mme go santse go na le tse thataro tse le tsone a dumelang fa di tlaa boela beng fa ba fetsa go rurifatsa gore e le ruri ke tsa bone. Superintendent Mudongo o ne a tswelela ka go bolela fa ba tshegeditse banna ba le masome a supa le boraro le bomme ba le bararo go ba thusa mo ditlhotlhomisong tsa dikgang tsa bogodu jwa leruo. O ne a tlatsa ka go re ba kgonne go bona dikgomo di le makgolo a mabedi le borobabobedi, ditonki di le masome a mabedi le boraro, dipitsi tse tlharo le dipodi di le tlhano tse ba belaelang fa di ne di tserwe e se ka fa molaong mme tse tshotlhe di santse di le kwa lesakeng la matimela kwa Tamasane. Superintendent Mudongo o ne a lebogela tirisanyo mmogo e ba e bonang go tswa mo go beng gae bontsi e le barui mme a ba rotloetsa go tswelela ba dirisanya le ba molao go sireletsa leruo la bone le nako e letsholo le le tla bong le seyo mo kgaolong. Mo go tse dingwe, Superintendent Mudongo o boletse fa ba tshwenngwa ke dikgang tsa petelelo tse ba kopanang le tsone kwa merakeng mme a supa fa ba tlaa tswelela ba tsamaya le meraka ba rutuntsha batho ka dikgang tsa mothale o. O ne a tlhalosa fa bontsi jwa dikgang tsa dipetelelo di diragalela bana ba ba rongwang kwa merakeng batsadi ba setse mo gae mme a kopa morafe o o neng o phuthaganetse kwa kgotleng ya Maunatlala go anamisa molaetsa. O ne gape a gakolola setshaba fa leruo le tshwanetse go rekisiwa le gone go rekwa ka tsamaiso go tsenwe mo kgotleng go ipeela bosupi le gone go dira mekwalo e e tlhomameng. Fa ba mo kgwa kgaba, morafe o ne wa kopa tshireletso mo go feng bosupi ka ba ne ba re ba boifa gore matshelo a bone a ka tsena mo diphatseng fa ba ka ntsha bangwe ka leso legolo tebang le dikgang tsa bogodu jwa leruo. Ka go rialo ba itlama go tswelela ba berekisana le ba molao go fedisa bogodu jwa leruo mo kgaolong ya bone. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Camel choir e abela baithuti Khwaere ya Camel ya moopelo wa dinnoto kwa Tsabong e otlolotse letsogo ka go abela bana ba sekole se se botlana sa Tsabong dimpho e le tsela nngwe ya go rotloetsa baithuti go tlhwaafalalela dithuto tsa bone. Fa a bua maikaelelo a bone, modulasetilo wa khwaere eo Rre Morekolodi Moapare o ne a tlhalosa fa e ne le go rotloetsa bana ba sekole ka seo se ka thusa thata mo go tokofatseng maduo mo dithutong tsa bone. Rre Moapare o ne a kaya fa gape e ne e le go leboga le go tiisa botsalano le boeteledipele jwa sekole seo ka ba tswa kgakala ba ba thusa ka lefelo le ba kgonang go ithuthuntshetsa mo go lone. Monnasetilo wa khwaere wa Camel Choir o ne a gwetlha banana ba kgaolo ya kgalagadi, badiri ba maphata a puso aa farologanyeng go innakayanya le moopelo wa dinnoto ka o le botlhokwa le gore o ka tlhabolola kgaolo eo ka go isa serodumo sa yone kwa godimo. Sebui sa tlotla sa lo letsatsing leo Mme Maggie Stoffel mogwebi mo Tsabong yo e leng e leng ene morotloetsi mogolo mo khwereng ya Camel Choir o ne a supa fa e na le maloko a ka nna masome a matlhano, e kwadisitswe semmuso ebile e na le komiti ee tiileng ee tsamaisang. Mme Stoffel o ne a tlhalosa fa maitlamo a khwaere eo e le go ngoka banana go tswa mo mebileng ka seo gape se ka thusa thata mo go tlhokeng go dira tse di duleng mo tseleng le gone go godisa moopelo wa dinnoto mo kgaolong eo. O kaile fa khwaere eo e setse e tumile thata ka moopelo wa dinnoto a kaya fa e fetile ka tse ditsitsididi mo dikgaisanong tsa ga tautona tsa dikgaolo tsa ngwaga le ngwaga mo ngwageng tse nne tse di fitileng, fa kwa dikgaisanong tsa makgaola kgang ba tsere maemo a bobedi gangwe mme a boraro ba a gapile makgetho a le mararo. Mme Stoffel o ne a kopa boeteledipele jwa metse mo kgaolong ya kgalagadi le setshaba ka kakaretso go ema nokeng kgwaere eo ya mmopelo wa dinnoto ka e ka gona go gola, go tia le go tswelela pele mo moopelong oo. Fa a amogela dimpho tseo tse di neng di akaretsa dibala nako, dipena, diraba dipensele tse di lopileng madi aa kanag ka P1500.00 mogokgo wa sekole se se botlana sa Tsabong mme Dynah Basutli o ne a galaletsa thata ba khwaere eo ya Camel Choir ka tiro e ntle e ba e dirileng. Mme Basutli o ne a tlhalosa fa sekole seo se na le baithuti ba le 781 ba mophato wa ntlha go ema ka wa bosupa, are dimpho tseo ba di neetswe ka nako ee tshwanetseng ka ba tlhaelelwa ke dirisiwa tse ba neelwang ke puso ka ntlha ya palo e ntsi ya bana. O ne a kaya fa gape seo se tla tiisa bana ba sekole seo moko ka maduo a bone a lokwalo lwa bosupa a ngogola a ne a wetse kwa tlase ka 46% fa go tshwantshwangwa le ka ngwaga wa 2013 ka 64%. Mo mafokong a gagwe a tebogo mookamela mapodisi a kgalagadi Officer Commamnding N0 9 District Masilo Motwiri o ne a lebogela mosimolodi wa khwaere eo ya Camel Choir Mme Mary Jonas yo e kileng ya nna mooki wa pele, a bo a mo akgolela go dira ka natla ga gagwe mo go tlhomamiseng gore khwaere eo e na se e leng sone gompieno. Mookamela mapodisi a kgalagadi o ne a gwetlha borre go inaakanya le moopelo wa dinnoto a kaya fa palo ya bone e le kwa tlase ,mme seo se paledisa khwaere eo go lomaganya mantswe sentle fa ba le mo dikgaisanong ka palo ya bone e tshwanelwa ke go bo e le masome a herabobedi. O ne a kopa barutabana go tlhokomela dimpho tseo le go di dirisa ka fa go tshwanetseng ka teng. Senior Superintendent Motswiri o ne a rotloetsa batsadi go emela dithuto tsa bone ka dinao ka go nna le seabe le gone ba rotloetsa ka nako tsotlhe gore maduo a dithuto tsa bone a tle a tokofale. education 4 Mapodise a Tutume a mo ditlhotlhomisong Mapodise a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go bonweng masalela a go belaesagang e le a motho kwa masimong a Selolwane. Mogolwane wa mapodise a Tutume, Supt Vusimusi Jorowe a re ba lomilwe tsebe ke monna mongwe yo a neng a batla dipodi tsa gagwe, mme a bona dintsa tsa gagwe di epa ka fa tlase ga setlhare. A re monna yoo o bone dintsa di ntsha mophuthelwana o o neng o sa nkge monate mme a itsese ba sepodisi. A re ba ragogetse kwa lefelong la tiragalo kwa ngaka e fitileng ya rurufatsa fa ele motho, mme ba sa ntse ba emetse ditlhatlhobo. A re ga ba ise ba tshwarwe ope mapadi le diragalo eo, jalo o kopile setshaba go ba loma tsebe ka mongwe yo ba neng ba itse fa a ne a itsholofetse ka jalo a sena ngwana. Mo go tse dingwe, Supt Jorowe a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe yo dingwaga di ka tshwarang masome a mabedi le botlhano go ya go masome a mararo le botlhano a ketikilweng ke segongwana sa banna ba le bane mme ba mo ntsha ditlho, mme ka lenga la seloko. A re ba mo keteketse fa bankeng ya Barclays ka nako ya lesome le bobedi bosigo a leka go tsaya madi mo mochineng. Supt Jorowe a re monna yo e ne e le moeng a sa itse ope mo motseng, mme o ne a a lafiwa kwa sepateng a ba a gololwa. Supt. Jorowe one a tlhalosa fa ba sa tshwara ope mabapi le tiragalo e bile ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Batswana ba rotloediwa go rurifatsa ditsha Batswana ba rotloeditswe go tlhofofaletsa bodiredi jwa lephata la kabo ditsha tiro ka go dirisana mmogo mo lenaneong le le tsweletseng la go bala ditsha (LAPCAS). E rile a bua kwa khanseleng kgolo ya Kweneng, moemedi wa lephata la kabo ditsha, Mme Tlotlego Rampha, a tlhalosa fa tirisanyo mmogo e ba e tlhokang mo Batswaneng, e ka fefosa ya bo ya dira gore maitlamo a lenaneo la LAPCAS a atlege. O tlhalositse fa lenaneo le, le le mosola ka le baakanyetsa Batswana go nna le magae a a rileng a na le mealo e e tsepameng ga mmogo le dinomoro tsa ditsha. O tsweletse a tlhalosa fa mathata a matona a ba kopanang le one e le Batswana ba ba ganang go tla go supa ditsha tsa bone. A re ba lemogile fa batho bangwe ba tshaba go tla go supa ditsha tsa bone ka ba ithaya ba re ke mongwe mokgwa wa go gapelwa ditsha tseo mogang ba reng ba ya go di rurifatsa. Mme Rampha a re tota moono wa bone ke go bala ditsha mme ba tlhoka beng ba ditsha tseo go tla go rurifatsa gore a mme ke tsa bone. A re kgang ya go gapelwa ditsha tse di sa tlhabololwang e na le tsamaiso ya yone, mme lenaneo le, ke go batlisisa ba bo ba nna le tumelo ya gore beng ba ditsha ba teng e seng go di gapa. O tsweletse a re, lenaneo le, le simolodisitswe kwa Kgotleng ya Lekgwapheng mo Molepolole, a tlatsa ka gore ka ntlha ya gore bangwe banni ba kgotla ga ba ka ba itshupa go tla go rurifatsa ditsha tsa bone, seo se ne sa dia tsamaiso le dikonetelelo tsa lenaneo leo gone kwa kgotleng ya Lekgwapheng. Le fa go ntse jalo, Mme Rampha a re ba setse ba dirile dipatlisiso kwa Lephephe le Mogoditshane mme ka sebaka se, ba simolotse kwa Motokwe. O tlhalositse fa kwa Mogoditshane ba ne ba solofetse go bala ditsha di feta dikete tse di fetang masome a mararo le bobedi mme ba kgonne go bona tse di dikete di le masome a mabedi le boferabobedi fela, ka jalo batho ba le dikete tse di lesome le bone fela, ba kgonne go ruriftsa ditsha tsa bone. A re kwa Lephephe ba ne ba ikaeletse go bala di le dikete tse tlhano le go feta mme ba kgonne go bona le go bala ditsha tse di kwa tlase ga dikete tse tharo fela, mme e bile ditsha tse di rurifaditsweng di le dikete tse pedi fela. O tsweletse ka go supa fa kwa Motokwe maikaelelo a bone ene e le go bala ditsha tse di fetang dikete tse ferang bobedi mme jaanong ba setse ba badile di le sekete e bile mo ditsheng tse di badilweng tse, go rurifaditswe di le kwa tlase ga makgolo a mane fela. Mme Rampha a re morago ga dipalo tseo, ba tshwanetse go konetelela dipatlisiso tsa lenaneo mme go thuse Batswan go fefosa ditirelo tse di amanang le malwapa kgotsa ditsha tsa bone. Le fa makhanselara ba ne ba itumeletse lenaneo ba bo ba tshepisa fa ba tla thusa go rotloetsa banni go ya go ruriftsa ditsha tsa bone, ba ne ba tlhalosa fa ba ngongoregela ditsha tse dinnye tse lephata le di abelang Batswana. Mme Rampha o ne a tsibogela se, ka go tlhaolsa fa dipalo tsa Batswana di golela pele, e bile go nale ba ba sa leng ba letetse go abelwa lefatshe ba le bantsi. Ka jalo a tlhalosa fa moono wa lephata e le go abela Motswana mongwe le mongwe setsha, ke sone se ditsha di neng tsa fokodiwa bophara. BOKHUTLO society 9 Komiti ga e dumalane le megopolo Maloko a komiti ya ditlhopho a ganana le mogopolo wa bangwe wa gore go dirwe matlhophelo a masimo le mereka le gore baemedi ba bokhanselara ba nne le dithutego tse dirileng. Ba buile jalo mo bokopanong jwa letsatsi le le lengwe kwa Palapye. Bokopano bo ne bo biditswe go dira ditshekatsheko le go buisana ka matlhophelo a a leng teng gore a a tlhoka le go okediwa kana go fokodiwa. Moruti Boiketlo Thapelo go tswa kwa Maunatlala o ne a supa fa e ne ya re bosheng ba nna le bokopano le baruti, bontlhopheng le morafe go tla go buisana ka puso ya batho ka batho le ditlhopho, kagiso le go itshwarelelana, itsholelo le tsa semolao. A re go botlhokwa gore makhanselara a nne le dithutego tse ba ka kgonang go ipalela le go ikwalela ka dinako. Moruti Thapelo a re bontlhopheng ba ba sa fenyang ditlhopho ba nne le mowa wa neelano le ba ba fentseng go tsweledisa ditlhabololo tsa kgaolo. Bontsi jwa dikakgelo bo ne jwa supa fa dithutego di tlhokega mo dinakong tsa gampieno, fa Mme Goboletswe Jonh wa komiti ya ditlhabololo kwa Serorome le Mme Gabaresepe Setlhare bone ba ne ba supa fa melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi e tlhoka go dirwa sesha, ba supa fa e tlhakatlhakane mo ebileng go tsietsa le bone batlhophi tota. Ba ne ba re matlhophelo a masimo le meraka ke one a rotloetsang go utswiwa ga batho go ba isa kwa go sa tshwanelang teng ka nako ya ikwadisetso ditlhopho, mme ba tswa ka mogopolo wa gore fa go dirwa melelwane go dirisiwe ditsela tse ditona go kgaoganya dikgaolwana tsa botlhophi. Rre Oganne Tshokologo ene o ne a re ba-na-le-bogole ba akarediwe fa go dirwa matlhophelo le gore a seka a nna kgakala thata, ka bangwe ba dirisa dikolotsana, tse le tsone di sa kgoneng go tsena mo dikgorong tsa matlhophelo segolo jang fa e le a a mo dikoleng, diholo kana dikereke mme le ene fela jaaka ba bangwe a kgala matlhophelo a masimo le mereka a re batho bao ba na le magae a sennela ruri a e kareng ka nako ya ditlhopho ba kgona go ya go tlhopha. Mme Releboge Mathabe go tswa kwa Emang Basadi ene o ne a re go tlhabisa ditlhong gore batho ba bo ba sa tlhophe ka dipalo tse di kwa godimo mme a kgothatsa ba ofisi ya ditlhopho go sa emiseng ipapatso gore batho ba itse botlhokwa ja ditlhopho. O ne a tladiwa ke mongwe wa maloko a re a go dirwe fela jaaka go dirwa ka Omang batsadi ba itse gore fa ba sa kwadisetsa ngwana omang a le dingwaga di le lesome le borataro ke molato o ka o o otlhaelwang. Komiti e ne gape ya kopa gore babega dikgang ba letlelelwe go tlhopha le mapodisi le batsamaisa ditlhopho, le gone go tsena kwa go balelwang teng ka go lebega go sena gope fa bone ba umakiwang teng. E ne e rile go le pele mogolwane wa ofisi ya ditlhopho kwa Serowe, Rre Segopolo Sakwape, a tlhalosa ka tsamaiso ya ditlhopho, bomosola jwa tsone le tsotlhe tse di solofetsweng ka nako ya ikwadiso go fitlhelela go ya go tlhophiwa mme a gatelela bomosola jwa gore batho ba tshwanetse ba ikwadisetsa fa e leng bonno ja bone. O ne gape a supa fa maikaelelo a bokopano jo e le go tsibosa le go gakolola maloko ka ditsamaiso tsa ditlhopho ka bophara le gone go ba lemotsha ka tse di tlhokwang e bile di solofetswe mo go bone, ka go ba neela dikitso tse di ba lebanyeng ka tsotlhe tse di solofelwang mo go bone e le komiti. Rre Sakwape o ne a supa fa mo lefatshing leno go na le ditlhopho di le tharo fela, tsa botlhe tsa setshaba, tsa poelelo le tsa patlo maikutlo mo paakanyong melao, mme tsotlhe di dirwa ka fa molaong. O ile a tlhalosa ka kgaoganyo ya dikgaolo a re e dirwa morago ga dingwaga tse di lesome dingwe le dingwe fa go tlhokega go lebeletswe go gola ga dipalo tsa botho politics 7 Barekisi ba kopiwa go tlhokomela tikologo Barekisi ba letlhafula ba kopiwa go kokoanya matlakala a tse ba di rekisang gore a seka kgotlela tikologo. Se, se builwe ke mothusa moanamisa mafoko wa khansele ya Borwa, Rre Onkabetse Ntwe mo potsolosong bosheng. Rre Ntwe o bile a kopa ba ba tsamayang ba a nwa ntshe gore ba seka ba gasagasa matlakala a yone, a re go gasagasa matlakala ke molato. A re e le ba khansele ga ba na molao o o laolang barekisi ba letlhafula ka ke thekiso ya nakwana, a bo a re mme fela barekisi ba tshwanetse go babalela tikologo. A re ba ba sa ntseng ba na le go tshuba matlakala ba ba beile leitlho ka go dira jalo ke molato o motho a ka o elang kgolegelong kgotsa a o atlholelwa, a re mme dikatlholo tse di kgona go lebisiwa motho tsotlhe. Rre Ntwe a re e le ba khansele ba leka ka bojotlhe go baya ditanka tsa matlakala mo metseng e ba lebaganyeng le yone le mo thoko ga tsela ya Trans Kalahari Highway gore badirisi ba tsela eo ba latlhele matlakala mo teng. A re tikologo e leswe e kgona go koba bajanala, selo se a reng se ka ama itsholelo mme a kopa gore ditanka tseo di dirisiwe ka dinako tsotlhe. Rre Ntwe o bile a re sengwe sa leswe le le tshwenyang ke metseto ya bana ya segompieno e a reng e latlhelwa gongwe le gongwe. A re metseto e leswafatsa tikologo ka dintsa di phunya dipolaseteke di bo di e gasagasa, a tlatsa ka gore le diruiwa di felela di e ja, selo se a boiling a supa fa se le diphatsa mo go tsone. A re metseto e e tshwanetse go isiwa kwa dikokelong gore ba lephata la botsogo ba tle ba e latlhele kwa go tshwanetseng teng. Mo go tse dingwe, Rre Ntwe o dumetse fa e le boammaruri gore tikologo ya diofisi kwa khanseleng kgotsa RAC mo Kanye e leswe. A re se se dirwa ke gore mophepafatsi wa tsone o nosi ka jalo o imelwa ke tiro. A re mophepafatsi yo ke yo o thapilweng ke khansele mme a kopa maphata a mangwe go tsaya boikarabelo. A re ba Ipelegeng ke bone ba a tleng ba thologe mophepafatsi yoo mokgosi. BOKHUTLO environment 5 Mapodisi a kopa tshwaragano le setshaba Mookamela kgaolo ya sepodisi ya District No 15, Senior Superintendent Kabo Badirwang o kopile magosi a metse e e mo kgaolong ya gagwe go thusana le mapodisi go lwantsha borukutlhi. Senior Superintent Badirwang o ntshitse boikuelo joo mo phuthegong le magosi ao kwa Tutume bosheng. A re seemo sa borukutlhi ga se jese sepodisi di welang. O boletse fa dikgang tse ba kopanang natso letsatsi le letsatsi tsa dipolao tsa batho di ngomola pelo thata mo kgaolong e a e okametseng ya dikgaolo tsa sepodisi tse thataro tse di akaretsang Nata, Sowa, Masunga, Tshesebe, bontlha bongwe jwa Francistown jo bo akaretsang metse e e mo kgaolong ya botlhopi ya Shashe Bophirima le Tutume. Senior Superintendent Badirwang a re dikgang tsa polao di ile magoletsa mo kgaolong mo go setseng go tlhokafetse batho ba le batlhano mo dibekeng tse tharo. A re se se ngomolang pelo go feta ke gore babelaelwa mo ditiragalong tseo ke batswakwa ba ba senang diteseletso tsa go nna mono ba e reng ba sena go dira bosula joo ba tsene ka lenga la seloko. A re se se tshwenyang ke gore bahiri ba batho bao ke baeteledipele ba batho ba ba kabong ba thusana le mapodisi go kganela phiro le go fa batho bao boroko. O ne gape a tlhalosa fa ba setse ba kwadisitse dintsho di le lesome le borobabobedi go simolola ka Hirikgong go fitlha mo nakong ya gompieno mo go tsone ba supa ba bolailwe ke batswakwa. Senior Supt Badirwang a re go hira batswakwa ba ba senang dipampiri ke molato o motona. O ne a gatelela ka go re dikgang tseo tsotlhe di ka fedisiwa fa ba ka tshwaragana ba di lwantsha ka ponyo ya leitlho a bo a kopa magosi ao go ema ka dinao go kgalema. Fa ba akgela,magosi a ne a dumalana le mapodisi fa seemo seo se setse se dule mo taolong e bile ba bolela fa tsholofelo ya batswakwa bao ba ba tsenang ka go sutlha molelwane e golela pele letsatsi le letsatsi,ba supa fa batho bao e le bone ba oketsang borukutlhi mo metseng. Ba supile fa ba le ’bete se molangwana ka ditshwetso tsa makgotla a ditsheko, go golola batho ba ba tshwerweng ka molato wa polao, ba re batho bao ba boa ba dira molato oo ba ntse ba emetse tsheko,ba re ke eng segolo ba sa letele tsheko kwa kgolegelong. Kgosi wa kgotla ya Madikwe kwa Tutume, Kgosi Royal Nkomeni a re seemo sa batswakwa le ditiro tsa bone tse di setlhogo le bone e le dikgosi ga se ba robatse, a supa fa ba palelwa ka bahiri ba batho bao e le batho ba ba tlhaloganyang molao e bile e le baeteledipele ba batho. Kgosi Nkomeni o ne a kopa puso go tsibogela le go lebelela kgang ya go letela tsheko kwa ntle ga babelaelwa ba dikgang tsa polao, a re batho bao ba borai mo setshabeng, ka jalo ba tshwanetse go ntshiwa fa gare ga batho. Senior Supt. Badirwang o tlhalositse fa batho ba na le go supa mapodisi ka monwana ba re ba tlogela babelaelwa. A re e le mapodisi ba na le fa ba emang teng, mme ditshwetso tse dingwe di tsewe ke makgotla a ditsheko. A re le fa go ntse jalo, puso e eme ka dinao ka jalo melao mengwe e baakantswe. Maikaelelo a bokopano joo e ne e le go sedimosetsa magosi ka seru se se wetseng kgaolo le go tla ka ditharabololo tsa mathata ao. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Bomme ba kopilwe go aga morafe ka tumelo Mokgatlho wa bomme ba thapelo wa Women Christian Fellowship go tswa mo dikerekeng ka go farologana, o gwetlhile bomme go gogela setshaba kwa kerekeng. Motiakone wa kereke ya Eloyi, Mme Julia Tshoganetso, a re go botlhokwa gore bomme ba tswe mo dikagong tsa dikereke mme ba tsene mo morafeng go gasa efangedi. Mme Tshoganetso o ne a bua kwa kgotleng ya Mahalapye ka letsatsi la mafatshefatshe la thapelo le le neng le rulagantswe ke Women Christian Fellowship bosheng. A re bomme ba tshwara thipa ka fa bogaleng mme ba tshwanetse go supa seo ka go dira ditiro tse di molemo. Mme Tshoganetso o ne a nopala Luke 14 temana 21 e e gwetlhang bomme go sokolola dipelo tse di bokoa ba dirisa tumelo. “Bomme ke le gwetlha go tsena mo motseng, buang le batho le ba supegetse gore Jeso ke Morena,” Mme Tshoganetso a kgothatsa. A re bomme ba diragatse ka botlalo thomo ya go rera lefoko la Modimo mo setshabeng e seng go nna fela mo tempeleng. “Dirisang dikokoano tse di farologaneng tsa morafe jaaka diphuthego tsa dikgotla go gasa efangedi ya ga Jehofa,” Mme Tshoganetso a kopa. A re le fa bomme ba na le thata ya go aga lefatshe, go a tshwenya go bona ba tsweletse ka go welwa ke dihawa tse di felelang di ba kgoba marapo le go ba sulafaletsa botshelo. “Bomme ba a boga mo lefatsheng,” Mme Tshoganetso a tlhalosa. Le fa ba aperwe ke pitlagano ya go kgokgontshiwa le dikgang tse dingwe tse di botlhoko, Mme Tshoganetso a re karabo ya mathata a bone ke go ikanya Modimo. Mme Tshoganetso a re go a tshwenya go bona dipelo tsa batho di aperwe ke boleo mme ba tsweletse ka go dira ditiro tsa tshokamo. A re go ineela go direla Modimo go ka thusa batho go lemoga tsela ya tshiamo mme ba felele ba fokotsa ditiro tsa borukuthi. Mme Tshoganetso a re lefa go na le ditiro tsa matshelo tse di farologanyeng go seka ga nna le ope yo o itlhokomolosang go direla Modimo a diiwa ke tsa selefatshe. Kgosi Tshipe Tshipe o supile fa tumelo e rotloetsa molemo ebile e fa tsholofelo ya gore lefatshe le tlaa apara tshiamo. O kopile bomme go rapedisa lefatshe ka gore maatla a thapelo tsa bone a ka thusa go fokotsa dikgwetlho tse di apesitseng lefatshe. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Borukutlhi bo gaketse kwa Khwee Mogolwane wa mapodisi a Letlhakane, Superintendent Michael Maphephu, a re ba tshwentswe ke seemo sa borukutlhi kwa Khwee, meraka le dipolase tse di mo tikologong ya motse oo. Superintendent Maphephu o buile jalo fa buisa phuthego ya kgotla kwa Khwee ka Laboraro a tlhalosa fa banni bangwe ba motse oo ba nwa bojalwa phetelela e bile ba goga motokwane. Rre Maphephu a re tiriso e ya ditagi e baka borukutlhi jaaka dipetelelo, dipolao, dititeo le tiriso botlhatswa ya bana ba dingwaga tse di kwa tlase . Supt Maphephu a re go utlwisa botlhoko ka gore bontsi jwa nako borukuthi jo bo amang bana bo a diragala mme bo sa begelwe mapodisi. O ne a ba lemosa gore go dira borukutlhi bope fela ke molato o motho a ka o tsenelang kgolegelo. Rre Maphephu a re ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha ba ne ba boloditse letsholo kwa motseng oo go laola seemo sa tiriso ya dino, mme ga go a nna le dintsho dipe. A re e rile fela morago ga letsholo le le wetsa tiro, seemo sa bo se boela kwa se neng se le teng mme ba begelwa polao le petelelo. Superitendent Maphephu a re dititeo tse dingwe ga di begelwe mapodisi mme kwa bofelong di bake dintsho, a ba a kopa gore ba bege borukutlhi ba seka ba buisana dikgang tse mo malwapeng. Rre Maphephu a re maikaelelo a bone ke go bolotsa letsholo gape kwa motseng oo go ya go laola seemo sa dipoto tse di dirwang e se ka fa molaong le tiriso ya motokwane. A re molao wa Botswana ga o letlelele dipoto, a tlholosa gore go letlelelwa batho go dira bojalwa jwa mabele, morula, khadi le setopoti mme motho o dira fela a kopile tetla mo go bo kgosi gape a sa dire malatsi otlhe. E rile fa a amogela ba ba neng ba tsene phuthego, Kgosi Gagoitsewe Daowe wa Khwee, a bolela fa selelo segolo sa gagwe e le dipolaano tse di diragalang mo motseng wa gagwe, kwa maitisong le thekiso ya majalwa a a sa letlelelweng le motokwane. Kgosi Daowe a re dipetelelo di bakwa ke gore basadi ba ya maitisong mme ba boe bosigo ba le nosi bangwe ba belege bana. Mokhanselara wa Khwee, Rre Keetile Gobotswang a re seemo sa borukutlhi mo kgaolong ya gagwe ga se jese diwelang, a tlholosa gore ngwaga o o fetileng go ntse le dipolaano di le pedi, a tlhalosa fa ba setse ba na le polao ngwaga o santse o simolola. crime_law_and_justice 1 Batswana ba gakololwa go tlotla melemo ya setso Batswana ba ne ba gakololwa go tlotla le go dirisa melemo ya setso ka seo se ka tokafatsa botsogo ja bone, seo se builwe ke mothusa modulasetilo wa lekgotla la baitseanape ba setso Bishop Molaodi Baitsile mo moletlong o go neng go ipelelwa beke ya melemo ya setso mo Aforika kwa Sefhophe. Rre Baitsile a re, bongaka jwa setso bo theile lefatshe la Botswana mme seo se dirile gore go nne le kagiso le thitibalo. O ne a tswelela a re mo malobeng bongaka bo ne bo sa ata jaaka gompieno mme bo ne bo dirisiwa go godisa malapa le leruo mme puso e lemogile gore go mosola thata go tlotla bongaka jwa setso. O ne a tlhalosa gore go dirisana mmogo le ba bongaka ja sekgowa go ka nna mosola fela thata mme go phutlhama ga seo go ka dirwa ke batho ka ba nyaditse setso mme bongaka bo bereka e bile bo ka tokafatsa botsogo. O ne a gakolola batsaya karolo go emisa go tsisa masula mo go ba ba kopang thuso jaaka go ba jela madi kana go ba thubetsa ba re ba a ba thusa, selo se e leng gore ga se a siama e bile se diga seriti sa kalafi ya setso mme a ba kopa go itlotla le go tlotla neo ya bone. Ngaka Haruna Jibril go tswa ko lephateng la botsogo a re Batswana ba na le dingwaga di le lesome le bobedi ba ipelela letsatsi mme seo ke kgatelopele ya puso mo go tlotleng ngwao ka kalafi ya bongaka jwa setso e se turu e bile bontsi ja batho ba ka e kgona. O ne a tswelela a re tirisano ya ba bongaka ja sekgowa le jwa setso e thusitse fela thata mo go tsa botsogo mme se se dirile gore matlhakore oo mabedi a tle ka molao kakanyetso wa go laola bongaka ja setso le go dirisiwa ga melemo ya setso mme molao oo o tlaa tsena mo tirisong mo bogaufing. O ne a kopa setshaba gore se nne le seabe mo dipatlisisong tse di dirwang ke ba bongaka jwa setso le ja sekgowa go tla ka maduo a a bonalang go leka go lwantshana le dikgwetlho tsa malwetse a a amang batho gore seemo sa botsogo se tokafale. Mo potsolotsong ngaka ya setso Mme Lame Johannes go tswa Bobonong a re ke ngaka ya setso e e dumelang mo go berekisaneng ga mmogo le ba botsogo ka jaana a bereka le ba tlhokomelo balwetse mo malapeng le go ruta batho ka go itlhokomela ka go ikgapha. O ne a tlhalosa gore mo balwetseng ba a kopanang le bone fa a bona a ka se kgone go mo thusa o mo romela ko go ba bongaka ja sekgowa go fema go gatelelwa ga motho mo go ka bakang loso. education 4 Merogo e siametse botsogo Setshaba se rotloeditswe go itlwaetsa go ja merogo go sireletsa mebele ya bone mo malwetseng. Fa a amogela balalediwa ba tlotla mo bokopanong jwa go simolodisa tshingwana ya merogo le maungo, kgosi kgolo ya Bakwena Kgosi Kgari III a re tshimolodiso ya tshingwana ya merogo le maungo ke nngwe tsela ya go bula setshaba matlho go ba rotloetsa go ja merogo. Go tlhalositswe fa mogopolo o wa tshingwana o tsile ka Mme Khumo Kebitsang yo eleng mooki mogolo wa Molepolole Community Clinic ebile e le modulasetilo wa kgaolo ya dikokelwana ya Molepolole Borwa. Mme Onkemetse Kgano yo e leng moithaopi mo go tsa tlhokomelelo balwetse kwa malwapeng o lebogile Mme Kebitsang go nna pelotelele fa a bereka le bone mo go simolodiseng tshingwana e. O boletse fa tiro e ba e dirang e na le dikgwetlho di akaretsa go tlhoka sepalamo sa go tlhola balwetse gangwe le gape le go ba senkela melemo mo dikokelong jalo a ikuela mo bagolwaneng ba lephata la botsogo go sekaseka dikatso tse ba di neelwang. Mme Kgano o tsweletse a kopa gore go dirwe lefelo le balwetse ba ka bewang teng gore ba tle ba tlholwe golo go le gongwe fela, go leka go tila dikgwetlho tse dingwe tse ba di raletseng. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa magae le metse, Mme Lenah Batsima o lebogile Mme Kebitsang ka go tsena ntlo le ntlwana a kopa dithuso tsa go rulaganyetsa tshingwana e. Mme Batsima o kopile setshaba go tsweledisa se Mme Kebitsang a se simolodisitseng le fa a ka tlogela go direla mo kokelwaneng ya Molepolole Community. Mookamedi wa tsa tlhokomelo balwetse kwa malwapeng mo lephateng la botsogo, Mme Penny Makuruetsa o tlhalositse gore lekalana la tlhokomelo e e faphegileng ya balwetse le simolodisitswe e le go leka go tokafatsa tlhokomela ya balwetse kwa malwapeng mme se se dirilwe morago ga gore mokgatlho wa tsa botsogo wa mafatshe o dire ditshekatsheko tse maduo a tsone a supileng fa balwetse, bogolo jang ba ba tlhokomelelwang kwa malwapeng, ba tshabelelwa ke ditlhabi le matshwenyego. E re ka go lemogilwe se, Mme Makuruetsa o tlhalositse gore tlhokomelo e e fiwang balwetse e itebagantse le go tokafatsa botsogo jwa bone ka kakaretso le ba malwapa a bone ka go ba imolola manokonoko a ditlhabi tsa bolwetse le go tsibogela dikgwetlho tsotlhe tse di tlang le bolwetse. A re dikarolo tsa tlhokomelo balwetse e e faphegileng di akaretsa go reba ditlhabi le dikai dingwe tse di tlang le go jwelelela ga bolwetse, go fa balwetse mefuta e e botoka ya go ja le go baakanyetsa balwetse le ba malwapa motlha wa bofelo gammogo le go rutuntsha ba lelwapa go amogela kutlobotlhoko. Mme Makuruetsa a re tlhokomelo e e faphegileng ke tshwanelo ya molwetse mongwe le mongwe mme ebile molwetse o tshwanetse gore a fiwe seriti le tlhokomelo e e maleba. Mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Muhammad Khan o rotloeditse setshaba go nna le mowa wa tirisano mmogo e seng go gogela tlase ba go bonwang ba dira sentle mo setshabeng a bo a gakolola dikokelwana tse dingwe go tsaya malebela mo kokelwaneng ya Molepolole Community. BOKHUTLO health 6 Balekane ba Botswana ba semeletse E re ka Batswana ba ipaakanyetsa go ipelela dingwaga di le masome a matlhano lefatshe la bone le tsere boipuso, balekane ba Botswana ba Jwaneng ba tshwere ka thata gore seabe sa bone se bonale. Morago ga go tlhongwa ga mmabontle wa balekane ba Botswana ba kgaolo ya Jwaneng ka kgwedi ya Lwetse ngwaga o o fetileng, Mme Jabu Radipitse o ne a ema ka dinao go diragatsa thomo ya gagwe jaaka moemedi wa setlhopha seo. Erile a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Radipitse a tlhalosa fa ene le molekane wa gagwe wa rre yo le ene a yang go emela kgaolo ya Jwaneng ba semeletse mo ditirong tse di itebagantseng le korone e ba e rwesitsweng ngogola. A re morago ga go rwesiwa korone eo, ba ne ba ikaelela go agela mme mongwe wa motlhoki wa molekane wa bone ntlo kwa motseng wa Sese. Ka jalo, Mme Radipitse o tlhalositse fa ba tsweletse ka dithulaganyo tse di farologanyeng tsa go kokoanya madi a kago eo. A re ba simolotse ka go kopa madi mo setshabeng ka mogopolo o ba neng ba o bitsa ‘Thuba Setena’, o ka one batho ba neng ba “reka” ditena tsa ditlhwatlhwa tse di farologanyeng. Ene yare bosheng gape a tlhagolela Balekane ba Botswana ka ene tsela ka go apaya a ba a rekisa dijo tsa motshegare. Mme Radipitse o boletse fa a ne a dira jaana a ntsha mo kgetsing ya gagwe mme a fiwa thotloetso ke rabontle gammogo le masika le ditsala. A re maikaelelo ene ele one a go kokoanyetsa letlole la bone madi gammogo le go rotloetsa balekane ba Botswana gore le bone ba tsweledise fa ba ka kgonang teng. Mo godimo ga moo, o tlhalositse fa maikaelelo magolo a gagwe ele go itebaganya le batlholagadi, ba a reng o lemoga ekare ba kgaphetswe ntle mo mananeong a a itebagantseng le ditlhopha tse di faphegileng. A re o eletsa go thulanya ditlhogo le bana le seabe ka go farologana gore kwa pheletsong a kgone go kokoanya batlholagadi ba kgaolo ya Jwaneng ba arogane megopolo e e k aba idilang maikutlo ya ba ya ba tshidisa. A re o tlhophile mogopolo wa go thusa batlholagadi ka jaana a lemoga ba seke ba umakiwa mo mananeong a tshwana le go phakisiwa dijo. A re mo godimo ga moo o ne a itemogela fa bomme ba mohuta oo ba kopana le dikgwetlho tse di botlhoko ka jaana a di bonela mo mongweng wa lelwapa la gagwe. E re le fa a tshwaragane le namane e tona ya go diragatsa megopolo ya gagwe, Mme Radipitse o tlhlositse fa mme a tsweletse ka go itlhokoletsa legato le lengwe la mmabontle wa Balekane ba Botswana, le mo go lone go tlaa bong go tlhophiwa ba le lesome ba ba yang go phadisanya kwa makgaola kgannyeng ngwaga o o tlang. Are ene le molekane wa gagwe war re ba tsweletseka go baakanya mebele ka itshidilo, gammogo le gone go tsomana le diaparo tse ba tlaa bong ba phadisanya ka tsone. O lebogetse thotloetso ya bogogi jwa toropo le setshaba ka kakaretso, a supa fa dikgakololo tsa bone di le dintle mme ebile di ba nonotsha mo tirong eba e dirang. O ne a kopa dikompone tse di ikemetseng ka nosi go tsenya letsogo ba thusa ka se b aka se kgonang ka jaana tiro e ba e tshwereng ele Balekane ba Botswana e otlelela tebelopele ya lefatshe leno ya tshaba e e lorato. politics 7 Baithuti ba Dagwi ba feta ka tse di tsididi Go ne go rena boitumelo le megolokwane kwa motseng wa Dagwi morago ga gore sekole se sebotlana sa motse oo se tseye maemo a ntlha mo maduong a lekwalo la bosupa. Batho ba Dagwi ba supile boitumelo jo bogolo ka nako ya phuthego ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Nkange, Rre Edwin Batshu. Baithuti ba sekole seo se sebotlana sa Dagwi ba ba neng ba dira lekwalo la bosupa ba fentse ka matshwao a lekgolo mo lekgolong, kgotsa ba fetile ka tse di tsididi botlhe fela. Mogokgo wa sekole seo, Mme Mercy Chipaladza a re baithuti bao ba ne ba le masome mabedi le borataro mme mo go bone ba ba boneng maduo a ntlha ba robabobedi, maemo a bobedi ba robabobedi le bone, fa ba ba tsereng maemo a boraro ba le lesome mme go sena ba ba paletsweng ka dintlhotse mo go bone. Rre Batshu o ile a galaletsa sekole seo thata, a re seo se supa tshwaragano ya ba-na-le-seabe mo dithutong tsa ngwana. O ne a bolela fa a reketse dikole tse di mo kgaolong ya gagwe sejana se se amoganwang gore sekole se se gaisang se neelwe sejana seo le madi a P5 000 go thusa mo ipelelong phenyo. Rre Batshu o ne a tlhalosa fa mo kgaolong ya Nkange, sekole sa Dagwi le sa Changate di dirile botoka thata ka tsotlhe di fentse ka maemo a ntlha mme sa Dagwi sa nna kwa godimo ga sa Changate fa go lebelelwa dilo dingwe le ntswa ba le mo maemong a lekgolo mo lekgolong botlhe. education 4 Dream Team ga e ipone tsapa go thusa batlhoki Boetelepele jwa kgaolo ya Kweneng bo gwetlhilwe go tsaya boikarabelo go rotloetsa morafe go nosetsa mowa wa go itirela. E rile a akgela mo mafokong a ga Rre Botokanyana Motoroko a pulo ya khansele potlana ya Molepolole/Lentsweletau, mokhanselara wa kgaolwana ya Boribamo Bophirima, Rre Moses Mmualefhe, a kgothatsa boeteledipele go godisa boipelego. “Ke fela fa thuto e ka tlhwaafalelwa, batho ba ka fokotsa go ikaega ka mananeo a dithuso, mme ba rotloetsege go itirela ka go itse fa “lerotse la makopo le sena kgodu”, ga gakolola Mokhanselara Mmualefhe. A re fa thulaganyo e e sa tlhagafalelwe, puso e ya go tswelela e imelwa le go palelwa ke ditiro tsa ditlhabololo ka jaana bogolo jwa madi bo dirisiwa go tlamela batho ka dinako tsotlhe go sena go iteka. Mafoko ao a ne a gatelelwa gape ke mokhanselara wa Kopong Botlhaba, Rre Patrick Gabanamotse, ka go supa fa mowa wa go ikaega ka mananeo a puso o ile magoletsa. A re Batswana ga ba iteke go tlhofofaletsa puso go itebaganya le dikgang tse dingwe tse di amang tlhabololo matshelo a batho. Mokhanselara, a re mokgwa oo, o tshwanela go kgalengwa mme batho ba itse fa e le boikarabelo jwa bone go emela ka dinao matshelo a malwapa a bone. O tlhalositse fa lenaneo le tshwana la temo la ISPAAD le sa ntshe maduo ka jaana balemi ba inaakantse thata le mananeo a senang dipoelo tsedi kalo jaaka Ipelegeng. Mokhanselara o tsweletse ka go kopa gore thulaganyo ya go tsaya lefatshe ga makgotla a kabo ditsha mo kgaolong ya Mokwena go dirwe ka go tshwana, go re beng ba masimo ba rotloetsege go neela puso lefatshe go fokotsa melatsa ya kabo ditsha. O ne a buwa jalo ka go supa fa a tshwenngwa ke gore kgaolo ya Mogoditshane e diretswe thulaganyo e faphegileng ya go abela beng ba masimo ditsha fa ba tseelwa masimo, fa dikgaolo tse dingwe ele go neelwa phimolo dikeledi, seemo se areng se tla dira kgang bokete fa thulaganyo e sa dirwe ka tekatekanyo. Mokhanseelara wa kgaolwana ya Loolologa, Rre Mookami Mantimane, ene o ntshitse tlhobaelo ya gore komiti ya kgaolwana eo ya ditlhabololo tsa motse e inaakantse le dikgang tsa sepolitiki, ntlha e areng e ama neelano le tsamaiso ya go tlhabolola kgaolo. Mokhanselara wa Hatsalatladi/Mogonono, Rre Kolana Kolana, o ngongoregetse dikoketso tsa dituelo tsa matlo a dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse. A re di kwa godimo thata go feta tsa matlo a badiri ba khansele. Mokwaledi wa khansele ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Gofaone Kgabanyane, a re e re le ntswa ntswa ba ise ba lekodisiwe ka dikoketso tseo, go botlhokwa go lemoga fa thulaganyo ya go godisa dithwatlhwa tsa matlo ao di sa patike go tsamaelana le tsa badiri ba khansele, ba bone ba tlhofofaletswang dituelo ke mohiri mme VDC yone e ka oketsa go ya ka ditlhwatlhwa tsa mmaraka. society 9 Tautona o akgola setlhopha sa Shoshoruka Tautona Lt Gen Seretse Khama Ian Khama o akgoletse setlhopha sa Shoshoruka, sa mmino wa seperu go tsaya maemo a ntlha mo dikgaisanong tsa ditlhopha tsa bodiragatsi ka malatsi a boikhutso a a sa tswang go feta. E rile fa a etetse kwa motseng oo mo bosheng, Tautona a supa fa a kgatlhilwe ke setlhopha seo fela thata, mo e bileng a se laleditseng go tla go diragatsa kwa moletlong wa segopotso sa boipuso. Tautona o ne a lebogela le Kgosi Sarefo Mombeko wa motse oo, go rotloetsa morafe wa gagwe go tshwaragana le go tsenelela dikgaisano. O ne a tlhalosa ka gore talente ya setlhopha seo e thusitse maloko a sone gore a nne a lalediwa go tla go diragatsa mo Gaborone fa go na le baeng ba ba tswang kwa mafatsheng a sele. Morulaganyi wa ditiro tsa setlhopha seo, Rre Lethebe Sethwara, o ne a tlhalosa gore ba ne ba dira dipaakanyo tse di tseneletseng, jaaka ba ne ba nna dikgwedi tse pedi le sephatlo go itlhokotsa ba le mo lefelong le le lengwe, a supa gore kakgolo ya ga Tautona e ba tiisitse moko, a bo a kgothatsa banana go itshetsa ka ditalente tsa bone. arts_culture_entertainment_and_media 0 Banana ba itumedisa le-butswa-pele Banana ba mokgatlho wa Mahube mo motseng wa Lejwana, ba itumedisitse Mme Jankie Mokalabai ka go mo abela ntlwana ya boitiketso le go mo rekela dikuku (cakes) tse pedi tsa borotho jaaka a ne a ipelela dingwaga di le lekgolo le bongwe a le mo botshelong. E rile a bua kwa moketeng o o neng o rulagantswe ke bone banana ba Mahube bosheng, moemedi wa mokgatlho o, Rre Meshack Otukile, a re o itumetse go menagane gore e bo ba kgonne toro ya bone ya go itumedisa bagolo ba motse oo. O tsweletse ka gore ba tlhophile Mme Mokalabai ba lebeletse gore ke ene mogodi yo o dingwaga di kwa godimo fa a kopanngwa le ba bangwe. A re ba itlamile go dira ditiro tsa boithaopo mo motseng oo, go supa moya wa bojammogo, mme ebile ba remeletse mo bagoding, ba-na le bogole, le bana ba ba tlhaetseng dikotla tsa mmele. Rre Otukile a re o dumela fa ba tsile go akola masego le matlhogonolo a ba a tsayang mo bagoding ba motse wa bone, ka a dumela gore fa monana a itumedisa mogolo, o tshologelwa ke matlhogonolo. A re ba agetse Mme Mokalabai ntlwana ya boitiketso ka ba ne ba lemogile a e tlhoka gape ba rotloetsa bophepa. “Re ne ra lemoga fa Mme Mokalabai a tlhoka ntlwana ya boitiketso, mme ra e aga gore re mo e abele ka letsatsi la matsalo a gagwe,” ga tlatsa Rre Otukile. O tlhalositse fa ntlwana e, e ba lopile madi a a ka tshwarang P3500 gore e bo e kgonne go fela, mme ba boa ba reka dikuku tse pedi tse ditona tsa borotho tsotlhe di lopa P560 gore di jewe ka letsatsi la mokete. E rile a tswa la gagwe, mokhanselara wa kgaolo ya Gathwane-Mogojogojo, Rre Beach Mooketsane a rotloetsa banana ba kgaolo ya gagwe go tswelela ka go nna pelo telele le go supa lorato mo bagoding. O rotloetsa banana go ikgapha mo nnotaging gore le bone ba kgone go tshwara dingwaga tsa ga Mme Mokalabai. O tswelela ka go gakolola bagodi ba ba neng ba tsene mokete oo go rekegela botsogo jwa bone ka goja dijo tse di siametseng mebele ya bone, go itshidila mebele le go nwa metsi a mantsi go akola dingwaga tsa botshelo. “Ke le rotloetsa go ne le itshidila mmele, re fokotse mahura a mantsi mo dijong, gape le nwe metsi a mantsi ka gore letsatsi le le bogale,” ga bua Rre Mooketsane. Fa a tswa la gagwe Mme Mokalabai o ne a tlhalosa fa pelo ya gagwe e tletse ka boitumelo,e bile a lebogela mpho ya ntlwana ya boitiketso ga mmogo le dikuku tsa borotho tse di natifitseng moketete wa gagwe jaaka a ipelela dingwaga di le 101. “Ke leboga go menagane bongwanake, dimpho tse tsotlhe di raya go le gontsi mo go nna, e kare Modimo o ka le segofatsa a le okeletsa malatsi a botshelo,” ga bua Mme Mokalabai. BOKHUTLO society 9 Mokgweetsi o tsenye ka lenga la seloko Mosadi mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le bosupa wa Tshesebe kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba o ne a tlhokafalela gone foo morago ga go thulwa ke koloi mo tseleng ya A1 ya Francistown/Ramokgwebana. Mo potsolotsong le A re moswi o ne a na le ba bangwe ba tswa maitisong kwa kwaring ya Tshesebe mme ene le yo mongwe ba atamela kwa tseleng ba leka go kopa mosepele mo dikoloin, a supa fa go sena ope yo o neng a lemoga dinomoro tsa koloi eo. Assistant Superintendent Mogotsi o tlhalositse fa ba le mo patlong ya mokgweetsi yo go belaelwang a ne a kgweetsa koloi ya modiro wa Mazda Demeo e e mmala o o Rre Mogotsi a re e re ka jaana koloi eo e ne e ya ntlheng ya Francistown, e ka tswa e isitswe kwa mafelong a go baakangwang dikoloi a a mo Francistonwn kgotsa mafelo a a mabapi, ka moo a ikuela mo go ba ba baakanyang dikoloi go ba tsibosa fa ba ka tswa ba amogetse kana ba ka amogela koloi e ba belaelang e ka tswa e dirile tiragalo e e masisi e. Assistant Superintendent Mogotsi o kopa ba ba mo dikgwebong tsa go baakanya dikoloi go nna ba sekaseka se se ka tswang se bakile tshenyo mo koloing pele ba e baakanya, mme e re ba na le dipelaelo dingwe ba lome mapodisi tsebe nako e sale teng. A re ba na le dipelaelo tsa gore koloi eo, e ka tswa e senyegile mo lotlhakoreng lwa molema, a supa fa ba ne ba sela dikgapetlana dingwe tsa koloi eo kwa lefelong la tiragalo, tse a supileng fa di tlaa ba thusa gore e re ba sena go longwa tsebe ka koloi nngwe, ba dire ditlhatlhobo ka tsone go bona gore a di nyalana le koloi eo. E re dikgang di eme jalo, mapodisi a Tshesebe a tlhotlhomisa tiragalo e nngwe e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome matlhano le bone wa Themashanga a neng a tlhokafala fa koloi e a neng a e palame ya modiro wa Toyota Mark 2 e ne ya thulwa ke bese mo tseleng ya Francistown/Ramokgwebana, fa e ne e leka go fapogela kwa Themashanga, e ntse e le ka letsatsi la botsalo jwa Morena. Assistant Superintendent Mogotsi a re bese eo, e go supagetseng e ne e tswa Zimbabwe e ya Gaborone mme e pegile bapalami ba fera bobedi, di ne di tlhomagane le koloi eo ya Toyota Mark 2, e yone e neng e na le bapalami ba le batlhano, A re bapalami ba le bararo ba koloi ya Toyota Mark 2 e leng monna wa dingwaga tse di masome matlhano le motso le basadi ba dingwaga tse di magareng ga masome a mane le masome a mane le bone ba santse ba robaditswe kwa kokelong ya Nyangabwe kwa Francistown morago ga go bona dikgobalo tse di masisi. Mopalami a le mongwe o ne a alafiwa a gololwa ka lone letsatsi leo, fa mo beseng gone mopalami a le mongwe a ne a bona dikgobalo tse di potlana mme a alafiwa a gololwa gone foo. Ditlhotlhomiso tsa mapodisi mabapi le dikotsi tseo di tsweletse mme baswi ba bolokilwe kwa Tshesebe le Themashanga Sedimonthole a le masome mararo le motso. Go sa le foo, Assistant Superintendent Mogotsi a re ntleng le ditiragalo tseo, boitshwaro e ne e le jo bo amogelesegang mo metseng e e welang ka fa tlase ga kampa ya bone, a supa fa banni ba metse eo ba ne ba itshwere sentle fa ba amogela ngwaga o mosha. A re le ba dikgwebo tsa bojalwa ba ne ba obamela dinako tsa go bulwa le go tsalwa ga marekisetso a bojalwa, fa ese ba le ba bedi fela ba ba neng ba lebisiwa molato wa go itlhokomolosa dinako tse di letlelesegang kwa Themashanga le Tsamaya. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Lephata la botsogo le ipaakanyetsa dikoloi Lephata la botsogo le kopile puso gore le ipaakanyetse dikoloi tsa lone go lwantsha seemo sa letlhoko la dipalamo. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Monwane mo kgaolong ya Kweneng ka Labobedi, tona wa lephata leo Dr John Seakgosing a re go isa ditlamelo kwa bathong mo lephateng leo go kgorelediwa ke sebaka se dikoloi tsa lone di se tsayang di isitswe kwa CTO go baakanngwa. A re, “jaaka lephata le le tshwereng selo se se botlhokwa se se tshwanang le botsogo jwa setshaba, ga go a a siama gore dikoloi tsa lone di bo di tswaletswe lebaka le le leele kwa CTO di emetse go baakanngwa”. O tswelela a re ,“ke tsholofelo ya bone gore tsamaiso e ntsha e tla dira gore dikoloi di baakangwe ka bonako mme se se tokafatse go isetsa batho ditlamelo.” Dr Setlalekgosi a re, la bofelo fa a tlhola ba CTO go ne go nale di dikoloi di le 443 tsa lephata la gagwe kwa teng , 188 ele di amulense, seemo se a reng se gomagometsa go phutlhamisa ditlamelo tsa botsogo tsa setshaba. A re bosheng, lephata la botsogo le tlhophile dikoloi di le 177 go tswa kwa dikoloing tse di kwa CTO mme la di baakanyetsa go di dirisa mo dikokelong le dikokelwaneng. O tsweletse a re ,147 wa dikoloi tseo di setse di baakantswe mme lephata le ikaelela go kopa tse dingwe go di baakanya le bo le di dirisa. Rev Setlalekgosi a re “Re tlhophile mediro ya dikoloi e e tshepagalang mo lefatsheng la rona, mme re solofela fa se se tla thusa go rarabolola matshwenyego a dikokelwana tse di ntseng lobaka di sena dikoloi.” A re lephata la gagwe gape le batla go ipaakanyetsa dikago tsa lone ka gonne go tsaya lobaka gore lephata la dikago le baakanye dikago. A re puso e ikaelela go isa ditlamelo gautshwane le batho, ke sone se dikokelo di le 543 mo go tse 700 mo lefatsheng leno di fa batho dithuso tsa di ARV. A re go atolosa dikokelwana go tla bo go tla le kago ya matlo a bodiredi. A re puso e tsere tshwetso ya gore dikago tshotlhe, go balelwa le matlo a badirela puso a tsenngwe motlakase. A re dituelo tsa ba Ipelegeng le tsone di tla okediwa mo bogaufing, le fa go ntse jalo ga a bolela gore go tla oketswa ka bokae. BOKHUTLO health 6 Tshenyetso setshaba e atile Go bolelwa fa tshenyetso setshaba mo lefatsheng la Botswana, e le ntsi thata. Mafoko a, a boletswe ke mogolwane go tswa kwa ofising e e lwantshang tshenyetso setshaba ya DCEC Mme Gabaditlhong Vranken, kwa thuto puisanong ya maloko a dikomiti tsa VDC kwa Ramotswa bosheng. Mme Vranken o supile fa tshenyetso setshaba e le go lopa motho mongwe gore a go direle sengwe, o mo tshepisa sengwe, ka go dira jalo go tla a dira gore motho yo o a felele a itlhokomolosa tsamaiso. O boletse fa gantsi puso e reka di dirisiwa tsa Ipelegeng go emisetsa tse di utswilweng, ka jaana maloko a VDC a na le mokgwa wa gore ba senya ba bo ba re ba ja maanapo. Mme Vranken o boletse fa tshenyetso setshaba e simologa e le nnye, mme e felele e gola mo e ka phutlhamisang itsholelo. O kaile gore fa motho a ikwalela dioura tse e seng tsone, go nna le dithoto tse a ka se di tlhaloseng gore o di bonye jang, a utswa dithoto tsa puso le go sa dueleng makgetho e le tshenyetso setshaba, mme motho o ka sekisiwa a bo a bonwa molato. Mme Vranken o tlhalositse fa mehuta ya tshenyetso setshaba e le mentsi, mme gantsi e bakwa ke bopelotshetlha, lehuma, kgaisano, go tlhoka boikarabelo, boeteledipele jo bo sa nonofang le gone go tlhoka go direla dilo mo pontsheng. O ba kopile gore fa ba bona motho a senya go le gonnye ba mo kgalemele go sale metsi, gore a tle a seka a tswelela ka mokgwa oo. O boletse fa ditlamorago tsa tshenyetso setshaba e le go diga seriti sa lefatshe le gone go phutlhamisa itsholelo. Mogolwane go tswa kwa lephateng la go dupa dibuka tsa khansele Rre Tebogo Kadikwa, a re go ruta motho go tshwara madi ke tiro e ntsi, e e tlhokang nako e ntsi. O boletse fa dikomiti tsa VDC di na le melawana e e ba tsamaisang, mme ba dirisa yone melawana e, go dupa dibuka tsa VDC. O kaile gape fa ba sena kitso ya go batlisisa tshenyetso setshaba, jalo a ba kopa gore fa ba belaela sengwe ba bolelele ba boipelego pele ga seemo se nna maswe. E rile ba mo kgwa kgaba, batsena thuto puisano eo ba tlhalosa fa maloko a VDC ba itsewe ka go ja madi, mme ba ne ba dirwa ke go sa itse tsamaiso sentle. Maloko a VDC a kopile bakaulengwe ka bone go isa madi a VDC kwa dibankeng, le go baya diresiti tse ba rekang ka tsone sentle. BOKHUTLO politics 7 Mothusa mokwaledi o akgola dikole Mothusa mokwaledi mo ofising ya mokwaledi wa ga Tautona, Mme Kesego Okie o akgotse dikole tse dipotlana tsa Mapulane, Seolwane, Manaledi le Matlhakola mo kgaolong ya Lerala/Maunatlala go bo di dirile ka natla. Mme Okie a re go supagala mo maduong a dikole tse gore ba-na-le seabe, bogolo jang batsadi, ga ba a ikgaphela kwa thoko e bile ba bona go tlhokafala gore ba tshwaraganele thuto le barutabana gore bana ba dire sentle mo dithutong. Mme Okie o ne a bua jalo mo boemong jwa ga mokwaledi wa ga Tautona, Rre Carter Morupisi kwa moletlong wa go ipelela phenyo ga sekole sa Mapulane le go abela dikole tse di dirileng sentle mo maduong a lekwalo la bosupa a ngwaga o o fetileng didirisiwa tsa maranyane (tablets) di le 43 bosheng. Maduo a sekole sa Mapulane e ne ya nna 86.4 per cent fa a sekole sa Seolwane e ne ya nna 84.1 per cent mme a sekole sa Manaledi e ne ya nna 83.3 per cent a sekole sa Matlhakola e ne ya nna 80.8 per cent. A re fa thuto e ka seka ya kopanelwa ga go kitla go nna le maduo ape, ka jalo go tlhokafala gore ba-na-le seabe botlhe ba dire mmogo. O ne a rotloetsa batsadi go tswelela ba nna le seabe mo thutong ya bana. Mme Okie a re Rre Morupisi ke motho yo o kgatlhegelang gore a bone maduo a dikole a tsholetsega, ka jalo ke jaaka a setse a thusa dikole dingwe ka lenaneo la go thusa dikole la Adopt-A-School. A re ke jaaka Rre Morupisi gape a kopa dikole go ipha seelo se se kwa godimo sa 100 per cent gore maduo a bonale. Mme Okie a re ba tshwaragane le khamphani ya HUAWEI mo thulaganyong ya go abela dikole didirisiwa tsa maranyane mo ngwageng o o fetileng mme ba supa fa tiriso ya maranyane e le yone e ka fetolang maduo a dikole. A re ka didirisiwa tseo barutabana ba tlaa tokafatsa ka fa ba rutang ka teng. A re morutabana mongwe le mongwe o tlaa tlhokomela didirisiwa tseo mme e re a ya kwa sekoleng se sele a se tlogele gone kwa sekoleng se a neng a direla kwa go sone. Mme Okie o ne a itlama fa a tla a rekela baithuti ba le lesome ba batsadi ba bone ba sa kgoneng paka ya sekole e feletse le ditlhako tsa sekole. Moanamisa mafoko wa HUAWEI, Mme Natasha Monnawatlala a re khamphani ya gagwe e na le maitlamo a go bona gore mafatshe a a santseng a tlhabologa le lefatshe leno le le mo teng ga a salele kwa morago mo go tsa maranyane. A re go rurifatsa se ba na le tumelo ya gore, gore ba kgone tiro ya bone ya go fa setshaba lesedi la tsa maranyane ba tshwanetse ba simolola go ruta ba ba tswang kwa tlase, bogolo jang banana. A re mo go direng se ba na le ditiro di le mokawana tse ba di dirang go nna le seabe sa bone mo go rutuntsheng ka tsa maranyane. A re ba na le tsholofelo ya gore didirisiwa tseo tsa maranyane di tlaa thusa dikole tse di di abetsweng mme ba tlaa tswelela ba ntse ba thusa fa ba kgonang teng. Mogokgo wa sekole sa Mapulane, Rre Botlogile Molatlhegi o ne a bolela fa mo ngwageng wa 2014 le 2015 maduo a gagwe a ne a wela kwa tlase mme ka tshwaragano le go dira ka natla ba ne ba kgona go tsholetsa maduo a bone go ya kwa go 86.4 per cent. A re gore ba kgone go fitlhelela maduo a ba a boneng ba ne ba tla ka methale e e tlaa ba thusang e tshwana le go fa baithuti tiro ya sekole gore ba e dire kwa lwapeng, go biletsa batsadi kwa sekoleng gore ba tle go utlwa ka tiro ya bana le gone go abela baithuti ba ba gaisitseng dimpho. A re go bo sekole sa gagwe se dirile sentle ke ka go ititaya ka thupana ga barutabana gore ba ntshe maduo a mantle. A re ntswa ba dira sentle, ba na le dikgwetlho di tshwana le letlhoko la didirisiwa di tshwana le motshine o o ntsifatsang dipampiri, o o romelang melaetsa le matlwana a borutelo a a seng mo seemong se se siameng. BOKHUTLO education 4 €˜Ngwana ke ngwana’ - Siele Molwela ditshwanelo tsa bana, Rre Peter Siele, o kgothaditse borre go emela ka dinao tshireletsego ya ngwana wa mosetsana. O buile se kwa thuto puisanong ya lekgotla la borre la Ghanzi bosheng. Maikaelelo e ne e le go buisana ka dikgang tsa kgokgontso le tiriso ya bana ba basetsana botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo. Rre Siele a re borre ba tshwanetse go bua ka dikgang tse ba menne phatla ka menwana e felela e supa bone fa go tla mo ditlhotlhomisong tsa dikgang tsa go phoraphora bana le tsa tlhakanelo dikobo. O rotloeditse borre ba ba neng ba tsene dipuisano tse go ruta borre ba bangwe go ikgapha mo dikganyeng tsa tiriso ya ngwana wa mosetsana botlhatswa. Rre Siele o rotloeditse batsadi go tswela kwa ntle mme ba bue ka dikgang tsa kgokgontsho le go lesa go latofatsa le go sireletsa badira molato, ka a re se se leswafatsa bana le go gola ka maikhutlo a a tswenyegileng. A re melao mengwe ya lefatshe leno e tshwanetse go sekwasekwa ya bo ya fetolwa ka e sa ema kgodiso ya bana sentle. Mmakaseterata wa Ghanzi, Mme Lecha Loeto, o boletse fa dikgang tsa kgokgontsho ya ngwana wa mosetsana mo kgaolong di sa goroge ka dipalo kwa legotleng le ntswa ba di utlwalela mo motseng. A re gantsi ba amogela dikgang tsa petelelo le tsa go tshosetsa matshelo, tse gantsi baikuedi ba felelang ba di tsholola. Bangwe ba bo rre ba supile fa ba tshwenngwa ke seemo sa dikgotla tshekelo tsa lefatshe leno ka ba supa di sa siamela di tsheko tse di akaretsang bana. Ba ne gape ba kopa ba boipelego go bereka thata le ba sepodisi go fa bana ba dingwaga tse di kwa tlase sebaka sa go phuthologa fa ba begela mapodisi ditiragalo tsa kgokgontsho. Rre Mahube Setlhare a re puso e tshwanetse go tla ka mananeo a a tlaa tsholetsang itsholelo ya bo mme gore ba seka ba ikaega ka bo rre go ba tshetsa ka se se felela se dira gore bo mme ba seka ba bega dikgang tsa kgokgontsho. Mme Loeto ene o ne a amogela fa ele boamaruri lefatshe leno le tlhaelelwa ke dikgotla tshekelo tsa bana mme a supa fa puso e iteka ka mo botsheng go butswe e nngwe ko Gaborone mo Broadhurst. A re go na le thulaganyo e ditsheko tsa bana di sekwang ka yone e le go ba sireletsa gore ba phuthuloge, fa dikgang tse di tsena setshaba gase letlelelwa go di reetsa. Bokhutlo education 4 Go rekisa lefatshe go a tshwenya Tona wa ditsha le matlo, Rre Prince Maele, o kgadile a sa kgwe mathe mokgwa o a reng o a kukela mo Batswaneng wa go rekisa lefatshe segolo bogolo mo batswakweng. O buile seo bosheng jaaka a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Phitshane-Molopo, Digawana, le Good Hope. A re Batswana ba na le mokgwa wa go kgobokanela kwa diofising tsa kabo ditsha go ya go kopa ditsha tsa bonno, dikgwebo le temo mme morago ga go di abelwa ba bo ba di rekisa. O kgadile seo a re ga se tokafatse botshelo jwa motho ka tsela epe fela ka jaana tiragalo eo e gogela motho kwa lehumeng. O gakolotse gore lefatshe ga le gole go gola batho ka jalo a ba tsibosa gore se se tla a felela se tsenya puso leoto la boraro ka go gagamaletsa batho ba mohuta oo setoropo ka go seke a tlhola a ba abela lefatshe. O ne a tswelela a re o ngomolwa pelo gape ke bana ba ba abelwang lefatshe la dipolase ka maiteko a gore ba namolwe mo lehumeng mme e re morago ba di rekise a re seo se koafatsa maiteko a puso mme a re ga ba na go ipona tspa ya go itepatepanya le seemo seo. O tlhalositse fa ba sekaseka gore dipolase tseo di kwadisiwe ka fa tlase ga lekgotla la banana la BNYC ka jaana se se ka thusa mo go thibeleng dipolase tseo go ka tswa goromete ka diphatlha tsa menwana mme go tswelelwe go thusiwe banana ba banwe ba abs a iponeng tsapa mo go itlhabololeng. O rotloeditse setshaba go ititaya ka thupana mo go batleng methale ya go itshetsa ka go ka hirisa lefatshe le go ka aga mantle go thusa badirela puso ka boroko gore ba bone letseno la madi gape go tla a fokoletsa goromente morwalo wa go fa dithuso a tlatsa ka gore seo se ka thusa mo go godiseng itsholelo ya lefatshe. Tona o ne a tswelela a supa fa ba tshwenngwa ke go tlhoka go tlhabololwa ga ditsha a re se se bakela lephatha la gagwe mathata ka jaana ba kgona go felela ba tlhatlagantse dintsha m setsheng se le sengwe mme se phelelong se feleleng se tsositse dikgotlhang fa gare ga lephata la kabo ditsha le morafe. Rre Maele a re go tlhabolola setsha ga go lope gore motho a bo a na le madi a mantsi go aga magasigasi a dikago, a re ba tlhaloganya ka botlalo seemo sa itsholeleo mo lefatsheng, mme jalo a ba gwetlha go ka aga mantlo fela a Setswana a mmu le bojang fa ba ntse ba letile go kgobokanya didirisiwa tsa kago ya sekgoa. A tlhalosa fa go aga matlo a Setswana go se turu mme ebile go ka thusa mo go fokotse dipalo tsa ditsha tse di sa tlhabololwang mo lefatsheng. O ne a tlatsa ka gore ba bangwe ga ba tsenye mekono go supa ka botlalo gore ditsha tsa bone di tsamaa jang, a re se baka tlhakatlhakano ka jaana go felele go nna dikgotlhang le baagisanyi. Mo go tse dingwe o kgadile setshaba mo go rotloetseng tshenyetso setshaba ka go abela babereki ba lephata la kabo ditsha madi le dithoto tse dingwe gore ba tle ba ba abele ditsha. Rre Maele o tlhalositse fa seo se sa letlelesege ka jalo ba ba nang le seabe mo tiragalo ya mofuta oo, ba tla a tseelwa dikgato tse di maleba. O ne a gwetlha morafe gore ba duele madi a ba a a kolotang ba mapahata a kabo ditsha gore a tle a thuse goromentse mo go atolseng meamuso ya lefatshe mo setshabeng ka bophara mme a ba kopa gape go tswa mo mokweg wa go ipaa fela kwa ntle ga teseletso ya ba lephata la kabo ditsha. O ne a kopa morafe go tswa matlho a bone le go nna maloma tsebe a ba lepahata la kabo ditsha fa ba lemoga bangwe ba bo maipaafela go babalela meamuso ya puso. society 9 Kgosikgolo o eletsa go tswala mabitla Kgosi Kgari III wa Bakwena o lekodisitse morafe ka keletso ya go tswala mabitla a Masu-a- ditshwene kwa Molepolole ka go bo a setse a tletse. E rile a bua kwa phuthegong ya kgotla bosheng, kgosi a re, e re ntswa a dumela fa seemo se sa nna sentle kwa mabitleng ao, maikaelelo a gagwe a buseditswe morago ke bogakolodi jwa khansele go bona se se ka dirwang fa thulaganyo ya go sika lefelo la sennela ruri e tsweletse. O kopile morafe go dirisa mabitla a mangwe a a sa tlalang fa go santse go letilwe go wediwa ga thulaganyo ya lefelo le lesha la mabitla. Kgosi o supile fa a tshwenngwa ke ba ba itshukunyetsang le ntswa seemo se sa nna sentle kwa mabitleng ao. E re le fa go na le gore go ka dirisiwa mabitla a mangwe a a teng mo motseng, kgosi o ntshitse matshwenyego ka go sa tlhokomelesegeng ga mabitla, a supa fa morafe o sa dire sepe go tlhomamisa bophepa kwa lefelong leo. O ne a rerisana le morafe gore khansele e fiwe boikarabelo jwa go tlhokomela le go tsamaisa mabitla, a supa fa mabitla a felela a tlala ntswa go santse go na le diphatlha fa gare e ele ka go sa dirisa lefatshe sentle. Kgosi o supile matshwenyego ka kgolo ya botlhokatsebe jwa bana mme a kopa batsadi go tsaya boikarabelo ka go emela seemo se ka dinao. Rre Scotch Motsaunyane wa khansele ya Kweneng, o lekodisitse fa khansele e tshwaraganye le lekgotla la kabo ditsha, e dirile kgatelopele ka go sika lefelo le Bakwena ba ka bolokelwang mo go lone kwa bokone jwa motse, gaufi le Suping ka go lemoga fa seemo se tlhoka go potlakelwa. Le fa gontse jalo, Rre Matsaunyane o gateletse mafoko a ga Kgosi Kgari gore morafe o dirise mabitla a a teng jaaka a Garanta, Ntloedibe le Lekgwapheng a go kaegang fa a a ka dirisiwa fa go santse go letilwe tharabololo. O kopile morafe go leta tharabololo ya mabitla a Ratlhomelang a tiriso ya one e buseditsweng morago ke dikgogakgogano tsa lefatshe le leneng le siketswe mabitla ka jaana e santse ele fa pele fa makgotla a ditsheko. Rre Motsaunyane one a itsese morafe gore fa khansele e tsaya boikarabelo jwa tlhokomelo ya mabitla jaaka bangwe ba eletsa go ka thusa go a thokomela mme bothata e ka nna gore taolo e tlaabo ele mo khanseleng morafe o sa itaolole go bapisa masika jaaka e le tlwaelo. Rre Matsaunyane o tlhalositse fa khansele e ise e ipaankanyetse thulaganyo ya go tsaya boikarabelo jwa tlhokomelo ya mabitla mme a solofetsa fa ntlha eo etlaa lekodisiwa bogogi go e ipaakanyetsa. A thulaganyo eo e ka tla ka tse di molemo jaaka go babalela lefatshe, mme e tlaa nna le ditlamorago jaaka go lopiwa dituelo ka mabitla a tlaabo a epiwa ke khansele. Kgosi Motshegetsi Bakwena ene o supile fa a tshwentswe ke go bo morafe o tsweletse ka go boloka motshegare a re seo se kgatlhanong le ngwao mme a kopa kgosi kgolo go rotloetsa morafe go boela mo ngwaong. BOKHUTLO society 9 Go botlhokwa go direla motse wa gago sengwe - Mosojane Mo maitekong a gagwe a go busetsa sengwe mo motseng wa gaabo, Moatlhodi wa pele wa kgotla kgolo ya ditsheko, Rre John Mosojane o inaakantse le lenaneo la ‘Adopt a School’, le ka lone a tsweletseng ka go thusa sekolo se se botlana sa motse wa Letsholathebe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, ka dithuso tse di farologaneng. E ne ya re kgwedi eno e le masome a mebedi le motso, Rre Mosojane a abela sekolo seo sa Letsholathebe dikhomputara tse tharo le kgatisi ya dikwalo (printer), kapari ya Metshameko ya kgwele ya dinao le bololotloa gammogo le dibolo tse pedi tsa tlhwatlwa e e sa bolelwang. Fa a rola dimpho tseo, mo moletlong o mokhutshwane o tshwaretswe kwa sekolong sa Letsholathebe, Rre Mosojane, yo neng a patilwe ke mohumagadi wa gagwe, Mme Ludo Mosojane o ne a tlhalosa fa a bona go le botlhokwa go busetsa sengwe mo motseng o a goletseng mo go one, e le bontlha bongwe jwa go isa malebo. Ka jalo a rotloetsa baithuti ba sekolo seo, go tlhwaafalela thuto ya bone gore le bone ka moso ba kgone go tsweledisa mowa oo, wa go thusa motse wa bone le lefatshe leno ka bophara ka dingwe tse di tlaa bong di santse di tlhaela. Rre Mosojane a re o thusa sekolo seo, ka maikaelelo a go bona se ntsha maduo a a nametsang le gone go alosa dikgantshwane tsa popota mo metshamekong, a re ka jalo dimpho tseo, di dirisiwe ka mo go tshwanetseng gore di ntsha maduo a a solofetsweng mo go tsone. O ne a supa gape fa ka dikhomputara tseo, a eletsa go bona bana bangwe ba motse wa Letsholathebe ba nna bomaitseanape ba dikhomputara, a tlatsa ka gore bana ba tshwanetse ba itse fa Modimo a ba abetse dimpho ka go farologana, mme go tlhokana fela le gore ba lome molomo wa tlase mo go sepe se ba se dirang le gone go reetsa ditaelo tsa barutabana le batsadi ba bone gore dilo di ba tsamaele sentle mo botshelong. Rre Mosojane o ne a gwetlha bogogi jwa sekolo sa Letsholathebe go tswelela ba kopa fa ba tlhaelang teng, ka jaana ngwana yo o sa leleng a swela tharing. Dibui ka go farologana ba ba neng ba tsene moletlo oo, ba ne ba rolela Rre Mosojane hutshe mo tirong e a tsweletseng ka go e direla sekolo sa Letsholathebe, ka go ne ga tlhalosiwa fa ise latlha a dira tiro ya go nna jalo, ka ngwaga wa 2014 a ne a abela bana ba sekolo seo paka ya sekolo. Mo mafokong a gagwe, mogolwane gotswa mo lephateng la thuto gotswa ko moding mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Angela Matlhape o ne a supa fa lephata la gagwe le ne la tswa ka mogopolo wa go kopa thuso mo setshabeng ka lenaneo la Adopt a School ka ngwaga wa 2012, a re lenaneo leo le bulegetse batho ka bongwe ka bongwe go thusa ka sepe se ba ka se kgonang, se se ka nnang le seabe mo go tokafatseng maduo mo dikolong. Mme Matlhape o ne a supa fa a itumedisiwa ke go bo banni ba kgaolo ya Bokone Botlhaba go lebega ba tsibogetse lenaneo le, ka jalo a ba rotloetsa go tswelela ka mowa oo, wa go dira bomolemo go ya go ileng. Mongwe wa dibui, Mokwaledi mogolo wa lephata la thuto gotswa mo khanseleng ya Bokone Botlhaba, Mme Mafoteng Mahole o boletse fa bone e le ba khansele ba nametsega segolo bogolo, ka jaana Rre Mosojane a ba diretse tiro motlhofo ka ba sa kgone go fitlhelela dikolo tsotlhe tebang le go di rekela dikhomputara ka ntlha ya tlhaelo ya madi. Mme Mahole a re ere ka jaana Rre Mosojane a ntsha dimpho tseo ka tsholofelo ya go bona maduo a a itumedisang mo sekolong sa Letsholathebe, ka jalo go le mo maruding a ba-na le seabe botlhe go leka bojotlhe go seke ba mo swabisa ka gope. Kgosi Gillard Letsholathebe wa motse wa letsholathebe o nea rotloetsa morafe wa gagwe go tsaya boikarabelo jwa go sireletsa dithoto tsa sekolo, go na le go tlogelela barutabana mokgweleo otlhe wa go dira jalo.BOPA education 4 Ipelegeng e tsisitse ditlhabololo kwa Mantshwabisi Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Mantshwabisi mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng a re Ipelegeng e tsisitse ditlhabololo tse ba di tlhokang. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Mohebetsane Tsiang, a re dingwe tsa ditlhabololo tse ba di solofetseng ka Ipelegeng ke lebotana la kgotla, go agelela mabitla le go aga ntlwana ya modisa dikago kwa kokelwaneng ya motse. A re ditlhabololo tseo ke dingwe tsa tse ba sa bolong go lela ka tsone. O supile fa modisa dikago a ne a nna fela mo sebatleng mme ka dinako tsa dipula go sena fa a tshabelang teng. A re ditlhabololo tse di supa kgatelo pele mo maitekong a bone a go leka go tlhabolola motse wa bone bogolo jang ka morafe o ba romile ka go ba tshepha. O bile a supa fa go agelela kgotla go tlaa e fa seriti ka go tlaa itsa gore e ralalwe ke bafeti ka tsela. Rre Tsiang o kaile fa dikgwetlho tse ba di itemogelang e le mosuke ka nako ya phiro mme a supa fa se se dirilwe ke go tlhoka go lema ga batho ka bontsi. O bile a supa kgwetlho e nngwe e le tiego ya dituelo tsa babereki ga mmogo le didirisiwa di tshwana motlhaba, a kaya fa se se dia tiro. society 9 Ramosielele o a iphataphatela E re le ntswa puso e le mo letsholong la go tokafatsa matshelo a Batswana ka kanamiso ya mananeo a a farologanyeng, bangwe ba setse ba gatetse pele ka go itlela ka methale ya go itshedisa le go lwantsha lehuma le letlhoko la ditiro. Rre Ratang Ramosielele ke mongwe ba banana ba ba itlhametseng mmereko ka go dirisa mabotlolo a digalase go itshetsa. E re ka Motswana a boletse gore metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balatedi, Rre Ramosielele ga ise a ipone tsapa, a simolodisa kgwebo ya gagwe ya go dira digalase tse di nwelang nnotsididi, mabone a digalase e bile gape o baakanya digalase tse di thubegileng. Fa a bua le BOPA mo potsolosong, Rre Ramosielele a re o gwetlhilwe ke letlhoko la ditiro. O tlhalositse fa e rile ka 2011 a kopana le Rre Ben Ben kwa Gabane mme a mo ruta ka botswapelo le lorato go dira digalase a dirisa mabotlolo a digalase a a dirisitsweng. E rile morago ga ngwaga tse pedi, ka Rre Ramosielele a ne a amule botsipa le kitso tse a neng a di tlhoka a simolodisa kgwebo ya gagwe. A re go dira digalase o dirisa mabotlolo a a dirisitsweng ga go motlhofo, a tlatsa ka go re go tlhokana le bopelotelele. Monana yoo, o buile fa lorato e le lone konokono mo kgwebong. A re kgwebo nngwe le nngwe e tlhokana le lorato le bopelotelele gore e gole mme ka banana ka bontsi ba sena dilo tse pedi tse mo dikgwebong tsa bone, di felela di phutlhama. Rre Ramosielele yo o dingwaga di masome mararo le bone o tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e sa dire letseno le le kalo mme a re lemmenyana le a le bonang le mo tlodisa melatswana. O boletse fa a na le bana ba le bararo mme kgwebo ya gagwe e le yone e ba tlhokomelang ka a sa kope ope sepe go itshedisa. Rre Ramosielele yo o feletseng ka lokwalo lwa boraro kwa sekoleng se golwane sa Naresereto kwa Gabane, a re fa a sale a simolola kgwebo e ka 2013, o setse a itheketse motshine o o gotlhang digalase wa P3 100. A re o bereka ka thata gore a reke motshine o o kwalang digalase mme o dumela gore mo tsamaong ya nako o tlaa filhelela toro ya gagwe. O buile fa a simolotse a rekisetsa mo lwapeng mme a re gompieno o rekisetsa kwa mmolonga wa Rail Park kwa Gaborone. A re khansele ya Kweneng e nna e dira ditshupo tsa bagwebi ba babotlana mme se se mo fa sebaka sa go bapatsa kgwebo ya gagwe. O supile fa ditshupo tseo di mo thusa go kopana le bagwebi ba bangwe mme ba arogane maele a go godisa dikgwebo le bone. Rre Ramosielele o tlhalositse fa a tsena ntlo le ntlwana a bapatsa kgwebo ya gagwe. A re fa letseno le sa tsena letsatsi leo, ga a itlhoboge ka a itse fa malatsi a sa tle ka go tshwana e bile gape a na le tumelo ya gore, gore mogwebi a gole, o tshwanetse go ralala dikgwetlho go mo tiisa moko. “Dikgwetlho tse ke di ralalang ke tsone di nkgodisang mo tlhaloganyong e bile ke tsone di ntirileng se ke leng sone gompieno. Gore kgwebo nngwe le nngwe e gole, mong wa yone o tshwanetse go ralala dikgwetlho pele,” ga bua jalo Rre Ramosielele. O tlhalositse fa kgwebo e tshwana fela le ngwana yo monnye, e tlhokana le tlhokomelo e e rileng le lorato e bile mong wa yone o tshwanetse go nna pelotelele a itse fa Roma a sa agwa letsatsi le le lengwefela. O buile fa a kopana le dikgwetlho di le mmalwa mme ga reng ga tsone ke go rata sekoloto ga Botswana le go rata go tsamaela ruri ba sa wetsa tuelo. A re go dira jalo go digela kgwebo ya gagwe kwa tlase. O gwetlhile Batswana bogolo jang banana gore ba ikemele ka dinao go itshetsa gonne puso ga e kake ya kgona e le nosi. A re go botoka gore puso e thuse ba ba sa kgoneng mme ba ba kgonang bone ba ipelege. O rotloeditse banana gape go dirisa ditalente tsa bone tse ba di filweng ke Modimo. O tlhalositse fa bokamoso jwa bone bo le mo diatleng tsa bone mme go botlhokwa go dirisa diatla tsa bone go ipetlela bokamoso jo bo rileng. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Banni Ba Mopipi ba lela ka metsi Banni ba motse wa Mopipi mo kgaolong potlana ya Boteti ba lela ka metsi a ba reng a letswai fela thata mo basa kgoneng go direla bana mashi ,le fa ele go siela balwetse dipilisi ka one. Banni ba supile se kwa phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke Mopalamente wa bone yo gape eleng Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae Rre Slumber Tsogwane ko motseng o o bosheng, ba tlhalosa fa metsi a a sa siamela botsogo ja bone.Ba ne ba kopa gore ba gogelwe matsi mo Sedibeng sa triple C. Banni bane ba lebogela manaeo a nyeletso lehuma ,Ipelegeng ,tshimolodiso wa pulo ya kokelano bosigo le motshegare. Bane ba lekodisa mopalamente wa bone matlhoko abone ba supa fa ba kopa gore ba okeletse sekole se segolwane mo kgaolong ya boteti, ba re se sengwe nngwefela ga a lekana ,ebile se mosuki ,le go agelwe diofisi tsa mapodisi, tlhaelo ya matlo a badirelapusole .one gape a re bangwe ba Badirelapuso ga ba duele matlo a VDC a ba nang mo go one. Rre Gowenemang Matlhare one a supa ba lephata la diphologolo ka monwana a re ga ba tsigogele dipego tsa bone fa ba jetswe leruo ke diphologolo,go fitlhela bosupi bo timela ,a re phimolo dikeledi le yone e tsaya nako e telele go duelwa.mongwe wa banni mme Amantle Machiliza one a botsa gore diteseletso tsa go tshwara ditlhaphi di fiwa batho ba ba ntseng jang, ka ba bona batho ba tswang konte ele bone ba tshwarang ditlhapi . Mogolwane wa lephata la diphologolo mo Letlhakane Rre Mmoloki Kepaletswe tlhalositse fa ba lemogile seemo sa gona jalo, mme jaanong ba santse ba tswaletse tshwaro ya ditlhapi go fitlhela kgweedi ya Mopitlo, a re solofela gore batla bo ba rarabolotse seemo.o bile a re go tsibogela pego tsa batho fa ba jetswe ke leruo go laolwa ke bodiredi le dikoloi ,a tlhalosa fa ba sa duele go sena bosupi ,ka jalo a ba kgothatsa go somarela bosupi,a bo a ba gakolola go tlhatlhela leruo mo masakeng. Tona one tsibogela matshwenyego a bone,a re le bone ele bateledipele seemo sa metsi sea ba tshwentse,a tlatsa ka gore thulaganyo ya go ba gogela metsi go tswa kwa didibeng tsa Setata e mo tseleng,le gore go fetola sekole sa Rakops JSS gona se segolwane gontse golemo lenaneo ,gone go emistswe ,ke letlhoko la madi. Mo kgannyeng ya boroko ja badirela puso o supile fa Konpone wa matlo e solefeditse go aga matlo a badirela puso kwa Mopipi le Letlhakane. Tona one, a ba lekodisa ka tse a tswang ka tsone ko palamenteng tse di akaretsang molao wa kwadiso ya dikereke ,wa gore go okediwe palo ya maloko a oka kwadisang kereke ka one go tswa mo go lesome gona lekgolo le masome a matlhano,mme ba supa fa ba dumelana le gore go okediwe dipalo,ka jaana le bone ba supa fa seemo sa go gola ga dikereke le go thubega ga tsone go ba tshwentse. society 9 Lekgotla le tlhophile maloko a masha Maloko a lekgotla la babereki la Manual Workers Union kwa Tutume ba tlhophile maloko a masha go tsamaisa lekgotla leo. Mongwe yo o neng a tsamaisa ditlhopho tseo, yo le ene a leng leloko la BOPEU, Rre Jimson Richard o ne a kopa bao ba ba neng ba emetse ditlhopho tseo mme ba seka ba atlega go tswelela ka mowa o le mongwe go direla lekgotla. Rre Richard a re go fenngwa ga go reye gore ba ngale lekgotla ba bo ba tsamaela ruri,a gatelela ka gore ba ba tlhophilweng ba tlhoka thotloetso le kemonokeng ya bone gore lekgotla leo le tiye. O tsweletse a ba kgothatsa go nna boineelo le bopelotelele go thusa mo go lweleng ditshwanelo tsa bone e le babereki ba lekgotla leo la Manual Workers Union. O gateletse ka gore bopelotelele le boineelo bo a busetsa,a a fa sekai ka tautona yo o tlhokafetseng wa Zambia, a re o kgaratlhetse go fenya dingwaga mme ka bopelotelele jwa gagwe o tlhokafetse a le tautona. A re le bone ba tseye seo e le thuto mo go bone ba itse fa phiri a rile ga bose gangwe. Mo go ba ba fentseng o ne a ba kgothatsa go bereka le maloko a mangwe ba le seopo sengwe,a re fa ba ka tsaya letlhakore ba t la thuba lekgotla. A re go bo maloko a ba tlhophile ba a ba tshepha ka jalo ba seka ba a swabisa. Maloko a lekgotla leo a a tlhophilweng,modulasetilo ke Rre Kakatani Baliki,mothusi wa gagwe ke Rre Oliver Ikanyeng fa motshwara madi e le Rre Lonyatso Meshack, mokwaledi ya nna Mme Thandie Tasebolai,mothusi wa gagwe ke Mme Otilia Vike fa maloko a matlhano a tlaleletso e le,Rre Enock Matshana,Mme Lechedzani Mari,Mme Choothusa Olebile,Mme Smolly Vike le Mme Dziidzane Nkwa. BOKHUTLO politics 7 Malema o inaakantse le go nosetsa ditshipi go ipelega ka a na le lorato mo go yone Go tswa goo-Lowe Batswana ba itsege e le batho ba ba ipelegang ka go itirela ka diatla tsa bone. Seo se netefaditswe ke Rre Boitshoko Malema wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano wa Serowe yo o inaakantseng le go nosetsa ditshipi. Fa a bua le Rre Malema o sale a inaakantse le go nosetsa ditshipi ka 2011. A re o ne a reka metshine e e nosetsang a ithuta ka yone mme gape a feta a kopa dithuso mo go ba ba itseng gore ba mo tlhatlhelele le go feta gore a itse go menaganye ka go nosetsa. Mogwebi yo, o tlhalositse gore madi a a a bonang mo kgwebong a a mo kgotsofatsa ka gore maungo a a a a bonang o kgonne go tlhabolola metse ya gagwe e mebedi ka o ne, gape bana ba gagwe ga ba lale ka tlala gape o kgona go ba tsenya le dikole, e bile a supa gore ka kgwebo e o setse a na le leruo le barotloetsi ba gagwe ba mo duelang ka lone. O boletse fa Batswana bangwe ba sa duele, fa bangwe ba batla go reka ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase, ba di ipeela bogolo jang mo gae. Rre Malema o tlhalositse gore go le gantsi fa ba bangwe ba sena madi ba mo duela ka go mo fa dilo di tshwana leruo a re se se diragala thata kwa dikgaolong, a supa fa a itumelela seo ka se mo thusitse gore le ene a nne le leruo. Kgwetlho e nngwe ke ya lefelo, a re ba molao ba re o direla fa go sa tshwanelang teng, ka a direla mo lwapeng ba lebile gore o dirisa motlakase le ditshipi ba re tiro e, e tlhoka lefelo le le faphegileng. Mogwebi yo, a re barotloetsi ba gagwe ba batla a ba rekela didirisiwa, selo se a reng se dira gore a dirise madi a mantsi, kwa phelelong ba palelwe ke go mo duela mme se se dire gore a bone tatlhegelo e ntsi. O rotloeditse botlhe ba dikgwebo gore ba tshwanetse go nna pelotelele a re tuelo ka leruo e na le tema go na le go neelwa madi ka letsogo ka gore fa o tsere leruo o kgona go rua le bo le ntsifala. Rre Malema o rotloeditse bagwebi ka ene go dirisa lefatshe le ba nang le lone ka kelotlhoko, morago ke gone ba batle mafelo a a siameng go ka tsweledisa dikgwebo tsa bone ka phuthologo. A re mogwebi o tshwanetse go dira se pelo e se ratang, a re ka jalo ba ka fitlhelela ditoro tsa bone go sa kgathalesege gore a ba na le madi kana jang. Mogwebi yo, a re keletso ke go sa gotlhagotlhana le goromente bogolo jang ka ba ise ba nne le dipampiri tsa dikgwebo, a re ba tlhoka thotloetso go dira se se maleba. “Fa goromente a re o tsweledisa madirelo a rona re ya go itshetsa ka eng tota fa e se gone go bitsa lehuma fela.” economy_business_and_finance 3 A re tsepameng mo go se re se dirang - Makwinja Mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane mme Nnaniki Makwinja o gwetlhile badirisi ba mananeo a puso go dira se ba se tlhokang le gone go tsepama mo go se ba se dirang go itsa go nna mabogodika. Fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa motseng wa Mmatseta le masimo a Ga-Lekgatshwane bosheng, Mme Makwinja o ne a re go dira jalo go ka dira pharologanyo mo matshelong a bone. Mopalamente a gakolotse gore mananeo a puso e nne a a ka akolwang ke botlhe, mme batho ba seka ba tshwara kwa le kwa gore palo e e rileng e kgone go thusiwa. “A re se lwelweng go tsaya kwa le kwa, re kope go thusiwa gangwe, go re re kgone go itebaganya le thuso e re e amogetseng. A re tsepamiseng megopolo mo go se re se amogetseng, gore go nne le tema,” ga gakolola Mme Makwinja. Dingwe tsa dikgang tse mopalamente a di amileng ke tsa kgokgontsho ya bong e ama mme le ngwana wa mosetsana e a reng di senyetsa lefatshe leno kagiso. Mme Makwinja yo e bileng e le mothusa tona wa Thuto go tswa kwa Moding, a re dikgang tsa kgokgontsho mo setshabeng di tsweletse ka go gola ka jaana maiteko a go di lwantsha a kgorelediwa ke go tlhoka boikarabelo ga bangwe ba ba tsweletseng ka go bipa mpa ka mabele, selo se se rotloetsang badira melato go tswelela ba sa lemotshiwe diphoso. “Ga re ka ke ra kgona go lwantsha ntwa ya go upolola masula a a re apereng fa go santse go na le bangwe ba ba bipang mpa ka mabele,” ga gakolola mothusa tona. Mabapi le bothata jwa thekiso ya lefatshe mo kgaolong eo, tona o gakolotse fa molao o mosha o ka thusa setshaba go gweba ka lefatshe le le mo diatleng tsa mong wa lone. “A re se ikamoge lefatshe, mme re dirise ditshono tse di teng jaaka go hirisa le re nang le lone ka jaana go ka re tokafaletsa matshelo go ya pele,” ga bua mothusa tona. Modulasetilo wa lekgotlana la kabo ditsha la Lentsweletau, Mme Shynah Gabanamotse, o amogela fa lekgotla la gagwe le itemogela tiego ya go ntshiwa ga ditirelo ka bothata jwa tlhakatlhakano ya difaele mo e leng sekgoreletsi se segolo. Modulasetilo Mme Gabanamotse o ne a tsibogela matshwenyego a morafe kwa Mmatseta le Ga-Lekgatshwane, a re bothata joo bo santse bo sena tharabololo ka jaana ba na le tlhaelo ya bodiredi go fefosa go ntshiwa ga ditirelo. Mme Gabanamotse a re ba tshwere ka thata go leka go busetsa seemo mannong ka go tsenya dikopo mo maranyaneng, mme go tsaya lobaka ka jaana ba lwa le difaele tsa go tswa kwa go 2014 mme di ba fekeetsa ka ntlha ya bontsi jwa tsone. Molomaganya lenanelo la Nyeletso Lehuma mo kgaolong ya Molepolole/Lentsweletau le Mogoditshane/Thamaga Rre Tshepo Sebakile le ene fela jalo o gakolotse ka botlhokwa jwa go nna le lefatshe ka e le lone konokono ya go bona thuso ya mananeo a puso. Monana wa Mmatseta Rre Justice Sebego, o kopile gore go ntshiwe mananeo go lebilwe gore a ka dira botoka kwa dikgaolong di fe. Kgosi Michael Molefhe wa Kopong o ne a kopa gore go godisa kgotla ya Mmatseta go tsibogelwe go tlhofofatsa tsamaiso ya go ntshiwa ga ditirelo tsa kgotla. politics 7 Palapye o gakololwa go somarela matlotlo a tlholego Palapye ke kgaolo e e segofaditsweng ka matlotlo a tlholego, a e bileng puso e tsere matsapa a go a somarela go atolosa Bojanala le go tswelela e efa Batswana kitso ka ngwao le ditso tsa bone. Mo godimo ga matlotla a kereke ya bogologolo ya London Missionary Society, a a bonwang kwa Malaka, kgaolo e e ne ya segofadiwa gape ka ditlhare tsa matswere tse di neng di dirisiwa jaaka poso bogologolo pele ga lefatshe leno le tsaya boipuso. Ditlhare tse tsa matswere di bonwa gaufi le seporo sa terena kwa Boseja mo Palapye. E rile go lemogeng fa ditlhare tse tsa poso di le botlhokwa, ba lephata la metlobo ya ditso ba agelela ditlhare tseo mme ba baya le mekwalo e e supang ka fa ditlhare tseo di neng di dirisiwa go amogela poso ka teng. Go tlhalosega fa poso e ne e isiwa e be e tseelwa gone kwa ditlhareng tse. Poso e e neng e goroga go tswa mo tereneng e ne e isiwa ke raposo kwa ditlhareng tse gore beng ba yone ba tle ba e tseye. Batho ba ne ba tla go tsaya le go isa poso ya bone kwa ditlhareng tse, bangwe ba tswa bokgakala jwa Serowe. Go somarela ditso tsa ditlhare tse ba lephata la motlobo wa ditso ba ne ba agelela lefelo mme ba tsibosa gore go seka ga latlhelwa matlakala teng le fa e le go ntsha sepe se se beilweng foo. Mothusa Kgosi wa Palapye Kgosi Michael Maforaga a re ka se sebaka go swabisa nko go bona ka fa lefelo leo le sa kgatlhiseng ka teng. Lefelo le le ntse leswe e bile dilo dingwe di tshwana le ditshipi tse di neng di ageletse ditlhare tseo ga di sa tlhole di le teng. Kgosi a re fa go sena tlhokomelo e e faphegileng, go ka nna ga fithelwa nako nngwe ditlhare tseo di remilwe mme dikokomane tse di tswang kwa morago di seke di itse ka ditso tsa Palapye. O kopile morafe wa Palapye go tshwara lefelo leo ka matsetseleko le go tlhomamisa gore ga ba latlhele matlakala foo. A re ditshipi tse di somotsweng tse ke sesupo sa gore go tlhokega gore banni ba Palapye ba eme ka dinao go thusa ba sepodisi go lwantsha borukutlhi. A re go botlhokwa go somarela ditso le ngwao ka gore ‘tshaba e senang ngwao ke moka e latlhegileng’. O rotloeditse banni ba Palapye go tlhokomela ditlhare tseo a tlhalosa fa e le moila go di rema.BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 BCL e fa dikgolegelo dimpho Mookamedi wa moepo wa BCL, Rre Dan Mahupela, a re setshaba se santse se sa itse ka botlalo ka lefelo le go tlhokomelelwang magolegwa kwa go lone gore le kgona go etelwa. Rre Mahupela o tlhalositse se fa a ne a rola dimpho tse ba neng ba di abela ba dikgolegelo kwa Selebi Phikwe, a re ke lefelo le go nnang batho ba ba tlhokang dilo tsa botlhokwa mo botshelong mme ka go tlhoka kitso setshaba se itse fa puso e le yone e tshwanetseng go tsaya boikarabelo ja go tlhokomela magolegwa, mo bangwe ba bone ba masika ba ba latlheletseng. O tlhalositse fa Batswana ba na le tebelopele e e ipeetsweng ke lefatshe e e tshwanetseng go salwa morago le go tsenngwa mo tirisong, a re e le ba BCL ba aba ba setse morago letshego la tshaba e e kgathalang ka matshelo a batho ba bangwe. Rre Mahupela o ne a tlhalosa gore motho ka bonosi o tshwanetse go nna le lorato le tlhompho mo bathong ba bangwe ,a re didirisiwa tse dingwe tse ba di abang e a bo e le go rotloetsa magolegwa gore fa ba fetsa katlholo ya bone ba bo ba anyile talente e ba ka yang go itshetsa ka yone, a tlhalosa gore mananeo a teng ke a a rotloetsang talente ya Batswana go itshetsa. BCL e ne ya aba dilwana tsa tlhwatlhwa ya P17 000 di akaretsa didirisiwa tsa go tlhapa le diletso di akaretsa katara,le keyboard. BOKHUTLO society 9 Ba itumelela phetogo ya maduo Mogokgo wa sekolo se se botlana sa Moiyabana a re maduo a bana ba sekolo sa gagwe a tokafetse fela thata. Mme Caroline Tsopane o boletse se mo phuthegong ya dikomiti tsa tlhabololo magae e e neng e rulagantswe ke mopalamente wa Serowe Borwa, Dr Pelonomi Venson-Moitoi bosheng. O tlhalositse fa maduo a fetogile go tswa mo go masome a matlhano mo lekgolong go ya kwa go masome a supa le boraro mo lekgolong, a tlhalosa fa se se dirilwe ke tirisano mmogo fa gare ga boeteledipele jwa motse, batsadi ba bana le barutabana. Mme Tsopane a re o ithaopetse go ruta bana ba lekwalo la bosupa maphakela, nako ele masome a mararo morago ga nako ya borataro go fitlhela ka nako ya masome a mararo morago ga nako ya bosupa le maitseboa ka nako ya boraro go fitlha ya botlhano. A re le ka Matlhatso o a ba tlhathelela, e le ntlha ya go ba thusa fa ba sa kgoneng teng. E rile fa a lekodisa mopalamente ka fa bana ba lekwalo la ntlha ba dirang ka teng, a tlhalosa fa ba dira bontle fela thata. Dr Venson-Moitoi o ne a re o itumeletse go utlwa seo mme a gatelela ka gore bana ba santse ba tsile go dira botoka le go feta fa. O tlhalositse fa go simolodisiwa ga go ruta bana ba ba ipaakanyetsang lekwalo lwa ntlha fa ba lokwalo la bosupa ba sena go tswala, gole molemo thata ka fa ngwana a setse a simolola lokwalo lwa ntlha o a bo a bulegile tlhaloganyo. E rile a tlaleletsa, mogolwane wa tsa thuto mo Serowe Borwa,Rre Michael Badisa a bolela fa sekolo se ne se goga ka bokete mme e rile ngwagatlola ka Moranang, Mme Tsopane a sena go tla ba nna fa fatshe go bona gore ba ka dira jang. A re, ba ne ba tswakanya barutabana ka go ntsha ba ba neng ba ntse lobaka ba ruta mo Moiyabana, mme ba tlisa ba ba sha. Mogokgo wa sekolo se segolwane sa Mothamo, Rre Thatayaone Kefilwe le ene o ne a tlhalosa fa botsadi jwa motse bo eme ka dinao kwa sekolong ka ba bua le bana mo ba feletsang ba tsaya dikgakololo tsa bone ka tlhoafalo. Fa a ntsha malebo Kgosi Mokopakgomo Kgomokgwana wa Moiyabana o boletse fa ba tshwenngwa ke borukutlhi, a tlhalosa fa motse o tsogetswe ke digongwana tsa bana ba ba senyang. A re, batsadi ba nale thotloetso mo borukutlhing ka gore ga ba nke ba tsaya dikgato tse di lebaneng fa ba bona bana ba tla ka dilwana kwa lwapeng ka ga ba ba botse gore ba di tsaya kae. Bokhutlo education 4 Twantsho HIV /AIDS e botlhokwa Motswana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go ema ka dinao go lwantsha mogare wa HIV/AIDS gore o seka wa anama. Modulasetilo wa Khansele ya Borwa Botlhaba, Rre Phenyo Segokgo o buile seo kwa segopotsong sa letsatsi la go lwantsha mogare wa HIV/AIDS kwa motseng wa Taung bosheng. O tlhalositse fa motho a tshwanetse go ipotsa dipotso gore o dira eng go lwantsha mogare oo. Rre Segokgo o supile fa botsogo e le tshwanelo ya mongwe le mongwe, go bona gore o tshelela mo botsogong jo bontle. O supile fa mogare wa HIV/AIDS, o le borai ka o tsaya matshelo a batho ka dipalo tse di kwa godimo. O ne a supa fa go na le makalana a a ikemetseng ka nosi a a tshwanang le bo Humana People to People, Emanuel Counseling Centre le a mangwe go leka go lwantsha mogare. O ne a tlhalosa fa Botswana a eme ka dinao go leka go lwantsha mogare wa HIV/AIDS, a bo a supa fa maiteko a lefatshe e le gore ka ngwaga wa 2030 mogare o bo o le ko tlase. O ne a supa fa motse wa Taung o iteka ka go bo dipalo di supa fa batho ba ba tshelang ka mogare di le kwa tlase. Rre Segokgo o ne a rotloetsa banni ba Taung go tsaya maikarabelo a go itlhatlhobela mogare le go o lwantsha. Fa a tswa la gagwe, mogolwane mo go tsa botsogo go tswa mo Borwa Botlhaba, Rre Simon Goabamang, o ne a tlhalosa fa gona le lenaneo le le bidiwang Treat to All, le le rotloetsang gore mongwe le mongwe a itse seemo sa gagwe. Rre Goabamang o ne a supa fa diritibatse tsa mogare wa HIV/AIDS di le teng go fiwa bao ba nang le mogare wa HIV. O ne a supa fa Batswana ba sa tshwanela go boifa go ya kwa kokelong, ka e buletswe mongwe le mongwe. O rotloeditse ba ba tshelang ka mogare wa HIV gore ba ikamogele, go tswelela ba tsaya diritibatsI le go itlhokomela ka nako tsotlhe. Rre Goabamang o ne a kopa morafe go nna le maikarabelo ka matshelo a bone le gore ba itse seemo sa bone nako e santse e le teng. Mothusa Kgosi wa motse wa Taung, Kgosi Louis Nkwe o ne a supa fa lefatshe la Botswana le eme ka dinao go lwantsha mogare wa HIV/AIDS. A supa fa letsatsi la segopotso sa go lwantsha mogare wa HIV, e le gore setshaba se bopagane go nna le boikarabelo gore mogare o seka wa ama matshelo a bone. Fa a tswa la gagwe, moemedi wa komiti ya ditlhabolo tsa motse, Mme Amogelang Leburu o ne a gakolola morafe gore ba tshwanetse go tswelela ba le mo Modimong. BOKHUTLO health 6 Ngwao le bojanala ke di ya thoteng Batswana ba rotloeditswe go tshegetsa le go dibela ngwao ya Setswana ka e le pilara ya Bojanala. Fa a bua mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng,mogolwane mo lephateng la banana,metshameko le ngwao,Mme Malebogo Mosala o boletse fa bajanala ba tla mo lefatsheng leno go bona ngwao ya Batswana ka jalo ngwao e tshwanetse go tshegediwa gore e seka ya nyelela. Mme Mosala are go utlwisa botlhoko gore e re le ntswa ngwao e le botlhokwa thata mo go godiseng itsholelo ya lefatshe leno ka Bojanala gape ele nngwe ya dilo tse di godisang ebile di rotloetsa Bojanala, Batswana bangwe ba bo ba santse ba tlhabiwa ke ditlhong go diragatsa ngwao ya bone. A re go tlhoka go diragatsa ngwao go baya kgolo ya Bojanala mo lefatsheng leno ka fa mosing. Mme Mosala o gwetlhile Batswana go ruta bana ngwao ya bone gore e seka ya nyelela. “Bana ba gompieno ga ba itse le faele sepe ka ngwao, ba sia le dingwao tsa mafatshe a sele.Bana ba gompieno ba tlotlile thata puo ya sekgoa ga ba na kgatlhego mo puong ya rona e e humileng ya Setswana.Go mo maruding a rona re le batsadi gore re sokolole bana ba rona mo dingwaong tsa mafatshe a sele tse ba di kopang tse mme re ba busetse mo ngwaong ya rona ya motia ya Setswana,”a tlatsa. Mme Mosala one gape a gakolola gore go kwalwe go bo go gatisiwe dibuka tse di itebagantseng le ngwao ya Setswana, are seo se tlaa dira gore dikokomana tsa lefatshe leno di fitlhele dibuka tsa go nna jalo fa di tsholwa mme di kgone go ipalela ka ngwao ya popota ya Setswana. O tsweletse ka go gakolola gore mafelo a a faphegileng a ngwao a tshwanetse go sirelediwa le go tlhokomelwa gore a seka a senyega mme a tloga a nyelelela ruri. A re go botlhokwa gape gore go dirwe dipatlisiso tse di tseneletseng mme go duwe ka megopolo ya gore tota ngwao e ka tlotlomadiwa jang le gore ditiro dingwe tsa ngwao tse di itebagantseng le go agisanya kgotsa go letlanya batho jaaka patlo,bogadi le manyalo a Setswana ga di fetolwe mo go feteletseng ke dikeletso le dinako tse di fetogang kgapetsa kgapetsa. Mma Mosala o gakolotse gape gore ka puo ya Setswana e gomagomediwa ke go nyelela, ebile gape go nale dipuo tse di farologaneng mo Botswana dipuo tseo tshotlhe di tsewe ka tekatekano, di rotloediwe ka go lekana gape Batswana ba rotloediwe go tlotla le go amogela dipuo tsa ba bangwe, a re seo se tlaa baka kutlwano fa gare ga Batswana gape go tlaa dira gore ba nne le seabe se se utlwalang mo go tsholetseng le go rekisa ngwao ya bone. Mme Mosala o ne a akgola banana a re ba na le seabe se sentsi mo go tlhabololeng le go tlotlomatsa ngwao bogolo jang mo letlhakoreng la bodiragatsi.A re ba dira Botswana motlotlo ka mmino wa Setswana,mmino wa dinnoto, dikhwaere, poko, le tse dingwe. O boletse fa lephata la Banana,metshameko le ngwao le dirisa madi a a fetang didikadike tse thataro go thusa baikopedi ba banana go tla ka megopolo e e itebagantseng le go tlotlomatsa ngwao le go tsenya megopolo ya go nna jalo mo tirisong lefatshe la Botswana ka bophara. O ba gwetlhile go tsweledisa mowa oo a re fa ba ka o tshegetsa Botswana ga e kitla e nna tshaba e e latlhegileng, e e senang ngwao mme mhapha wa Bojanala o tla gola mo lefatsheng leno. arts_culture_entertainment_and_media 0 Mokwaledi o galaletsa bakgweetsi Mokwaledi wa khansele-potlana ya Kanye, Rre Senatla Rutherford, o galaleditse bakgweetsi bangwe ba khansele ba ba dirang ka natla go thusa go diragatsa mananeo a puso. Rre Rutherford o buile jalo kwa moletlong wa tsamaya sentle wa bakgweetsi ba le bararo ba khansele ya bone ba ba neng ba tlogela tiro ka bogodi ka Labotlhano kwa Kanye. Bakgweetsi bao ke Rre Tuelo Setumo, Mojakgomo Montsho le Olefile Chinanyana. Mokwaledi o boletse fa bakgweetsi bao ba ne ba itse dikgwetlho tsa botshelo e bile ba ne ba itse go bereka le badirelapuso ba ba neng ba ba kgweetsa mme tiro e nne motlhofo le bofefo. O boletse fa ba dirile ka natla ba sena melato epe le fa e le go thula ka dikoloi tsa puso. A re tiro e ne e le bonolo thata fa ba kgweetsa bodiredi ka gore maduo a ne a bonala le maduo a mananeo a puso mo khanseleng ya gagwe a bonala. O rotloeditse ba ba bangwe ba ba setseng go tsaya malebela ka gore ba dirile ka botswapelo. O ba kopile gore ba seka ba tsamaya ka botlhale jwa bone le dikgakololo tsa bone ka fa ba kgonneng ka teng mme ba amuse ba ba setseng. O boletse fa go se motlhofo go bereka ka lebaka le le leele mo dinakong tsa gompieno ka mabaka a dikgwetlho tsa botshelo mme bone ba kgonne. Rre Rutherford o o ba tsibositse go nna podi matseba ka manweenwee a a rukutlhang batho mo dipakeng tsa keresemose. Fa ba leboga, bakgweeetsi bao ba lebogile Modimo le baeteledipele ba khansele ka gore ba ne ba ba babaletse mo tirong ya bone. Ba kgothaditse ba ba setseng go dira ka botswapelo go ntsha maduo mo tirong, ba bolela gore kwa ntle ga bakgweetsi bodiredi ga bo kake ja kgona tiro. Ba boletse fa pele ga ba bereka mo khanseleng ya Borwa ba ne ba bereka mo meepong ya Aferika Borwa. Ba boletse fa ba simolotse ka lemmenyana la madi mme ba nna pelotelele go fitlhelela gompieno. Ba boletse fa ba ise ba biletswe epe melato le fa e le go thula ka dikoloi tsa puso. Mo dimphong ba ne ba abelwa ditsidifatsi tse di tsenyang metsi a a omeleditsweng(coolerbox), ditshipi tse di tsenyang manyena a dikgomo, ditanka tsedi pakang leokwane le dikere tse di kgobang serobe politics 7 Itshidilo tsela ya boitekanelo Banni ba Makakatlela le badiri ba kokelwana ya bone le ya Mochudi Clinic 2, ba ne ba tshwere moletlo wa go supa fa itshidilo mmele, thuto ya tsa botsogo le itlhatlhobelo malwetse e le tsela tsa boitekanelo. Fa a bua kwa moletlong oo ka Labobedi kwa sekoleng se sebotlana sa Ntshinoge, moeteledipele wa dikokelwana le dikokelo mo Kgatleng, Mme Ellen Rannoba o boletse fa go le botlhokwa go rotloetsa boitekanelo mo matshelong a batho, ka ba tshwanelwa ke go itse ka botsogo jwa bone le go itlhokomela. O boletse fa boikarabelo jwa botsogo bo le mo diatleng tsa mongwe le mongwe ka bo ama batho botlhe, mme a tlhalosa fa go bo tshwaraganela go ka tsisa pharologanyo e tona ka tirisano mmogo e le molemo. A re lephata la botsogo le bone go tshwanela go tsenya mogatla wa boitekanelo mo lephateng go nna lephata la botsogo le boitekanelo, e le tsela nngwe ya go rotloetsa setshaba go itlhokomela le gone go itshidila mmele gore ba kganele malwetse. Mme Rannoba o kopile setshaba go tsamaya ka dinao fa ba tsaya mesepele e mekhutshwane, ka le gone e le tsela nngwe ya go itshidila, a tlatsa ka go re go tsamaya ka dinao metsotso e le masome a mararo go ya go oura, go dira pharologanyo e ntsi mo mmeleng wa motho. O kopile banni go dira ditlhopha tse di ka kopanang kwa lefelong le ba le dumalaneng, go itshidila mmele le gone go abelana thuto ka dijo tse di siameng go ka kganela malwetse a a sa tshelanweng jaaka bolwetse jwa sukiri, madi a matona le jwa pelo. Mme Rannoba o kopile setshaba go ja dijo tse di nang le dikotla, tse di sa tsenyeng malwetse, a tlatsa ka go re ba je dijo tsa Setswana, ka di sena mahura a mantsi, gape ba seka ba ja sukiri e ntsi ka e baka malwetse a a sa tshelanweng. O rotloeditse banni go nwa metsi a selekanyo sa dilithara tse pedi kgotsa go feta ka letsatsi, ka metsi a le botlhokwa mo mmeleng, a tlatsa ka go re go tlhoka metsi mo mmeleng go kgona go felela go gapile botshelo jwa motho. Mookamela baoki mo kokelwaneng ya Makakatlela, Mme Kefilwe Rowland-Disele o tlhalositse fa moletlo o, e le tsela ya go abelana kitso le go tsisa ditlamelo kwa morafeng, ka bangwe ba etela dikokelo fela fa ba setse ba lwala mme gatwe thibelo e botoka go na le kalafi. O kopile setshaba go etela dikokelwana nako le nako go itlhatlhobela malwetse ka go farologana, e le tsela nngwe ya go ka thusa puso go fokotsa dipalo tsa balwetse le madi a a dirisiwang go reka melemo. Mme Disele o rotloeditse ba ba leng mo moletlong go tswelela ka go gasa molaetsa, gore batho ba emele botsogo jwa bone ka dinao, a tlatsa ka go re kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. Mothusa Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Ntshinoge, Mme Deborah Phiri o boletse fa e le maikaelelo a puso go nna le tshaba e e tsogileng e bile e itekanetse, mme go tshwanela gore setshaba se thuse puso maitlamo a sone. O kgothaditse banni gore ba itlhokomele, mme e bile ba tsoge mo moeng le mo ditlhaloganyong. Fa a leboga, Kgosi Robert Tshukudu wa Malotwana, o lebogile ba botsogo le dikomiti tsa ditlhabololo go bo ba bone go tshwanela go tsisa ba botsogo mo morafeng, go ruta le go ba rotloetsa go tsaya botsogo jwa bone ka tlhoafalo. O rotloeditse setshaba go tsaya dithuto tse ba di filweng ka tlhoafalo gore ba iphemele. Source:Author:Location:Date:more news »Main LinksNetworksSocial NetworkUseful LinksServicesContacts health 6 ‘Nnang le boikarabelo’ Mothusa Tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe o kopile banni ba Diloro le Kgagodi go nna le boikarabelo mo dithusong tse puso e ba thusang ka tsone go intsha mo lehumeng. Fa a bua kwa diphuthegong tsa kgotla kwa metseng eo bosheng, Dr Kedikilwe o boletse fa puso e kgathala ka matshelo a Batswana mme ba tshwanelwa ke go tsaya dithuso tse ba di fiwang ka matsetseleko. A re ba ba newang dithuso, bogolo jang tsa go ipulela dikgwebo, ba tshwanelwa ke go supa fa ba ne ba tlhokana le dithuso tseo ka go di tsamaisa sentle gore ba kgone go itshedisa. Dr Kedikilwe o boletse fa puso e na le maikaelelo a a tsepameng a go boloka le go tlhabolola matshelo a Batswana. Ka jalo o boletse fa go na le mananeo a le mantsi a a dirilweng go ntsha Batswana mo lehumeng. Mo go tse dingwe, Mothusa Tautona, yo e bileng e le mopalamente wa Mmadinare, a re o tlogela setilo sa gagwe sa bothusa Tautona le sa bopalamente a le pelo tshweu ka a dirile go le gontsi go fetola matshelo a batho mo kgaolong ya gagwe le mo lefatsheng ka bophara. A re mafelo a le mantsi mo kgaolong ya Mmadinare a ne a se na ditlamelo di tshwana le metsi, motlakase, dikole le ditlhaeletsanyo mme di setse di le teng. Dr Kedikilwe a re o ne a dirile botsalano jo bo tseneletseng le Batswana botlhe ka kakaretso mme go tlogela maemo a gagwe ga go ree gore ga a na go tswelela e nna motsadi, ngwana le tsala fela jaaka a ne a ntse. A re o na le tumelo e ntsi ya gore ba ba tlaa mo tlhatlhamang ba na le bokgoni jwa go tsweledisa fa a emeng teng. A re o ne a tsaya ka tlhoafalo se ba a neng a ba eteletse pele ba se bua ka motho ga a ke a bua fela go se na matshwenyego mme o solofela fa yo o mo tlhatlhamang a tlaa reetsa dilelo tsa bone. Mothusa Tautona o ne a tsibogela mafoko a ga Kgosi Gabobatwe wa Diloro yo o neng a bolela fa ba tlaa bo ba latlhegetswe fa Mothusa Tautona a tlogela tiro ka bogodi. O ne a bolela fa Dr Kedikilwe e le motsadi yo e neng e re fa ba na le matshwenyego a a rarabolole ka ponyo ya leitlho. Rre Sumbe Ongadile go tswa kwa ofising ya ga Tautona a itebagantse le tsa nyeletso lehuma o ne a bolela fa lenaneo la nyeletso lehuma le setse le tlhametse Batswana ba le 11 095 mebereko. A re batho ba le bantsi ba supile fa lenaneo la nyeletso lehuma le ba thusitse thata ka e bile ba setse ba kgona go dira tse ba neng ba sa kgone go di dira jaaka go tsenya bana dikole le gone go ithekela tse di yang maleng. O ne a tlhalosa fa lenaneo la nyeletso lehuma le thusa batho ba dingwaga tse di lesome le boferabobedi go ya kwa godimo mme go dirwa ditshekatsheko pele fa yo o lebanweng ke lenaneo leo a ka thusiwa. A re go lemogilwe fa mo mafelong mangwe go tsaya sebaka gore ba ba lebanweng ke dithuso tsa nyeletso lehuma ba thusiwe fa ba bangwe ba ise ba kgone go sekasekwa. A re le fa go ntse jalo ba seka ba fela pelo ka jaana go sa ntse go lebalejwa gore go ka fefosiwa jang. economy_business_and_finance 3 Bogosi bo tshwentswe ke dipolaano Bogosi jwa motse wa Palapye bo tshwenyegile thata ka dipolaano tsa baratani ga mmogo le batho ba ba ikgapelang botshelo. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Palapye, Kgosi Raditanka Ntebele o boletse go re motse wa Palapye o tlhasetswe ke dipolaano tsa baratani le batho ba ba ikgapelang botshelo, a re ke sone se a biditseng phuthego go tla ka metlhala ya go lwantsha seemo se. O tlhalositse fa Palapye e setse e na le dintsho tse di kwa godimo tse di bakwang ke go bolaana ga baratani, a fa sekai ka tiragalo ya bosheng e mo go yone rre mongwe a ileng a bolaya mokapelo wa gagwe kwa masimong a Dikabeya. Mothusa kgosi Rre Klaas Motshidisi ene o ne a rotloetsa bakapelo ba ba nnang mmogo go ititaya ka thupana go re ba nyalane ka fa molaong go itsa dikgotlhang mo loratong. A re go ka thusa gape go hema kgaruru fa yo mongwe a tlhokafetse bogolo jang dikgang tsa go lwela dithoto le ditsha. Fa a ba kgwa dikgaba, mongwe wa banni, Rre Obusitse Goepamang o gakolotse batsadi go re ba lese go letlelela bana ba bone go nna le bakapelo mme ba sa nyalana ka go senya motse oo leina ka dikgang tsa dipolaano. Moruti wa Apostolic Faith Mission Rre Lawrence Mmemo o ne a ntsha kgakololo ya gore go nne le komiti e e tlaa rotloetsang ba ba nnang botlhe sa nyalana gore ba tsene mo nyalong. crime_law_and_justice 1 ‘Inaakanyeng le mananeo a puso’ Modulasetilo wa khansele-potlana ya Mogoditshane/Thamaga, Rre Duncan Ramasiagopana, o gwetlhile banni ba Gaphatshwa go inaakanya le mananeo a puso go ikinola mo lehumeng. Fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng, Rre Ramasiagopana a re mananeo a tshwana le Ipelegeng, nyeletso lehuma le la kago ya matlo la Self Help Housing Agency (SHHA) a diretswe Batswana ka jalo ba seka ba ipona tsapa go inaakanya le one ka a ka ba thusa go tlhabolola matshelo a bone. A re lenaneo la nyeletso lehuma le tlhabolotswe ka go okeditswe ditirelo tse ba ntseng ba di fa batho. Rre Ramasiagopana a re se se thusa fela thata ka se fa baikopedi sebaka sa go itlhophela se ba se ratang e bile ba itse fa se ka ba busetsa. O boleletse morafe o o neng o tshologetse phuthego eo go tsenya dikopo tsa bone go thusiwa ka lenaneo le. Fa a itebaganya le komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Ramasiagopana o ne a begela banni fa puso e tsere tshwetso ya gore dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse di tsamaisiwe ke khansele. O ne a tlaleletsa ka gore maloko a komiti ya ditlhabololo ga a tshwanela go ikgagapelela dithoto tsa morafe. A re go bo khansele e itebaganya le go laola dikomiti tse go ka thibela tshenyetso setshaba ka dibuka le tsone di tlaa simolola go dupiwa. Ka lenaneo la SHHA, modulasetilo o ne a bolela fa a na le matshwenyego ka jaana banni ba motse oo ba le maoto a tshupa go dirisa lenaneo le. A re go ya ka dipalo, go simolola ka ngwaga wa 2008 go fitlhelela ka wa 2015 batho ba le boferabongwe ba ne ba tsenya dikopo tsa go tlhabololelwa malwapa fa ba le supa fela ba ne ba tsenya dikopo tsa go agelwa matlo gone mo motseng wa Gaphatshwa le Metsimotlhabe. A re dipalo tse ga di kgotsofatse ka jalo banni ba tshwanetse go nna ba botsa e bile ba sa tshabe go etela diofisi tsa bone go kopa dithuso. E rile ba akgela banni ba kaya fa tshwetso ya puso ya go laola dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse e le kgato e e molemo ka jaana se se ka fokotsa tshenyetso setshaba. Bangwe ba ne ba ikuela ka dimausu tse di tletseng e bile di setse di leswafatsa maemelo a dikhombi tsa Metsimotlhabe. Ba re seemo se se tswa mo taolong ka jaanong bangwe ba rekisa ditagi mo go tsone. Ba tlatsa ka gore ba ba rekisang ba se age dimausu mme ba dirise dikhukhu. Banni ba ne ba boa gape ba ngongorega ka badiri ba Ipelegeng ka jaana ba re matshelo a bone a mo diphatseng. Ba supile fa go sena dipolasetiki tsa matlakala, diatlana, dilepe le dikiraba mme se se sa ba siamela le botsogo jwa bone. society 9 Kgosi o tshwenngwa ke go tsewa lolea ga kgokgontsho Mogolwane wa komiti ya District Multi Sectorial AIDS Committee (DMSAC) kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa, Mme Cathrine Molomo, o kgadile baruti bangwe ba a reng ba tlhakanela dikobo le maloko a kereke ba sa itshireletsa. O buile jalo kwa bokopanong jwa makgotla a dikereke kwa Khuis bosheng. Moono wa phuthego e, e ne e le go ngathogana maele a gore dikereke di ka thusanya jang le puso go fokotsa dipalo tsa mogare wa HIV. Mme Molomo a re maitsholo a baruti bangwe a busetsa kwa morago maiteko a puso a go fedisa kanamo ya mogare. A re mo Botswana otlhe ka bophara, go na le batho ba le 380 000 ba ba tshelang le mogare mme ba nwa di diritibatsi. Mme Molomo o supile gore seemo se bifela pele ka dipatlisiso tse di dirilweng ke lekgotla la UNAIDS di supa fa go na le dipalo tsa batho ba basha ba ba tsenwang ke mogare ka letsatsi. A re dipalop tseo di oketsegile ka bone mo lekgolong mo bananeng ba dingwaga tse di fa gare ga 15-35. A re se, ke seemo se se sa emang sentle mme se tlhotlhelediwa ke go tlhoka go fetola maitsholo ga batho. O ne a kgala batho ba a reng ba ba iteseletsa fela ka ba itse gore diritibatsi di teng. Mme Molomo a re mo maitekong a go lwantsha HIV/AIDS, lekalana la National AIDS Coordinating Agency (NACA) le le ntseng le tshwere namane e tona ya tiro ya go lwantsha mogare jaanong le tlaa fetolwa leina go akaretsa le malwetse a a sa tshelanweng a go lemogilweng gore ke diathoteng le HIV/ AIDS go nna ka fa tlase ga lephata la Merero ya Ofisi ya ga Tautona, Tsamaiso Puso le Bodiredi kgwedi ya Moranang a rogwa monongwaga. E re lentswa go ntse jalo, Mme Molomo o supile fa puso e tsweletse ka maiteko a go fedisa mogare ka go diragatsa lenaneo la mafatshe fatshe la ‘ Mme a supa fa se, se fokotsa gore masole a motho a mmele (CD4 count) fekeetswe ke malwetsi a mangwe a a leng dia thoteng le mogare wa HIV/AIDS. A re pele, ba botsogo ba ne ba emela gore CD4 count ya motho e nne 250 go ya tlase pele ba ka mo tsenya mo lenaneong la diritibatsing. Mme Molomo a re puso tlile ka mananeo a tshwana thibelo kanamiso ya mogare go tswa ko go mmangwana go ya ngwaneng (PMTCT). E rile a mo kgwa dikgaba, moeteledipele wa lekgotla la boruti mo Khuis, moruti Thutego Mereyabone o ne a kgala a sa kgwe mathe baruti ba a reng ga se ba nnete ka ba tsietsa phuthego ba re ba ka fodisa mogare wa HIV/AIDS. “Re utlwa ka podi ya tsela gore go na le bangwe baruti ba ba rayang batho mo diphuthegong ba re ke dingaka ba ka alafa bolwetsi. Re fa re le baruti go tla go kgalema ka lentswe le le nonofileng gore motho mongwe le mongwe o neilwe tshwanelo ya gore fa a na le dithata dingwe a di supe fa pele ga molao,” a bua jalo. Phuthego e e ne e simologile ka mogwanto o eteletswe pele ke kgosi ya Khuis, Rre Bothata Botsheleng, baeteledipele ba dikereke mo Khuis, baemedi go tswa mo lephateng la tsa botsogo, masole le baphuthegi ba dikereke. Kokoano e e ne e tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng, “Seabe sa kereke mo go emeng puso nokeng kgatlhanong le bolwetsi jwa HIV/ AIDS.” BOKHUTLO education 4 BDF e rola mpho ya ntlo E ne yare ka mafelo a beke, gabo go rena boitumelo kwa lelwapeng la ga Mme Opani Romani wa Nlapkhwane jaaka ba sesole sa Botswana ba ne ba mo abela ntlo. Go ya ka mookamela-sekolo sa thutuntsho ya masole, Brigadier Boikanyo Addanes, mogopolo wa go agela Mme Romani ntlo o dule ka masole a maemo a private a a satswang go wetsa thutuntsho ya bone. O boleletse kokoano e eneng e tsene tiro eo fa se se diragetse morago ga leso la ga morwa Mme Romani e leng Recruit Private Tawana Manye, yo a neng a ithutuntshetsa sesole le setlhopha seo. Brigadier Addanes o tlhalositse fa go le mopontsheng gore leso la ga Private Manye le ne la phirimisa ditoro tsa lelwapa leo tsa go inoga mo lehumeng. A re go bo Mme Romani a ne a letla morwae go tsena mo sesoleng go dibela lefatshe leno le ntswa e ne e le ene fela ngwana wa gagwe wa mosimane. ga se selo se sebotlana, ka jalo bagogi ba sesole sa Botswana ba ne balemoga botlhokwa jwa mogopolo wa baithuti ka Private Manyewa go agela mmaagwe ntlo. Brigadier Addaneso ne a akgolela setlhopha seo sa masole mowa wa bone wa bopelotlhomogi le boithaopo, a re go bo ba ne ba kokoanya madi a a agileng ntlo eo go tswa modikgetsingtsa bone ke sekao sa mowa wa go kgathalela babangwe o oagilengmo dipelongtsa bone. Go sale foo, Kgosi Thabo Maruje III wa motse wa Masunga, yo gape a emetseng kgaolo ya Bokone Botlhaba kwa Ntlo Ya Dikgosi o ne le ene a rolela futshe setlhopha seo sa masole, a supa fa se ba se dirileng se supa ka botlalo mowa wa tshegetsano o Batswana batswang goo-lowe ba itsege ka one. A re tiro e edirilweng ke basesole e supakafa go le botlhokwa kateng go tsosolosa mowa wa go kgathalelana, o a kailengfa o tsweletseka go ngotlega ka monokela. Kgosi Maruje, yo a neng a bula ntlo eo semmuso, o boletse fa mowa wa boema nosi o go bonalang o setse o atile mo malatsing a gompieno o tshwanetse wa kgalwa go mennwe phatla ka o sa supe se tota tshaba ya Botswana e leng sone. O ne a rotloetsa setlhopha se se neng se ithutuntsa le Private Manye go tshwara ka natla mo maitekong a go fetola matshelo a bao ba tlhokileng lesego mo setshabeng, a re se ba se diretsenglelwapa la ga Mme Romani ke se se se kitlang se lebalesega. alatlhelalagagwe, mokhanselaraRreFarai Bonyongo wa kgaolwanaya Nlapkhwane o ne a akgolela basesole bofefo jo ba ba dirileng tiro eo ka jone. A re go tloga ka kgwedi ya Tlhakole mono ngwaga fa Private Manye a tlhokafala go tla go tsena mo nakong ya go rolwa ga ntlo eo, e nnile nako e khutshwane thata. Rre Bonyongo a re ke sesupo sa boineelo jo bo tseneletseng jwa mophato wa sesole o oneng o dira tiro eo. Fa a amogela ntlo eo, Mme Romani o ne a leboga basesole go bo ba motlile matshediso ka go mofa mpho e e bogolo jo bokalo. Ditlhabololo tse di diretsweng ba lelwapa leo tse di lopileng madi a afetang P75 000 di akaretsa ntlo ya dikamore tsa borobalo tse pedi, e na le kamore ya boapeelo le ya boitiketso, ga mmogo le kgokelo ya metsi mo lwapeng. Se sengwe se sedirilweng e nnile go agelela lelwapa leo ka jaana matlo a setso a mararo a aneng a le bonno jwa gaMme Romani a ne a eme fela mosebatleng. Bokhutlo society 9 Mdikwe primary e dirile sentle Batsadi, barutabana le baithuti ba sekole se sebotlana sa Madikwe kwa motseng wa Bobonong ba ne ba keteka moletlo wa go dira sentle ga bana ba lekwalo la bosupa ngogola. Fa a bua kwa moletlong oo, mookamela matlhabelo a Botswana Meat Commission Dr Akolang Tombale a re o batla go bona batsadi ba na le seabe mo thutong ya bana ba bone eseng go leba dibuka fela. O boletse fa a kgathala ka thuto ya bana ke sone se a abelang sekole seo thelevision le khumphuthara e le bontlha bongwe ja go lepalepana le maranyane a segompieno. Mogokgo wa sekole seo, Rre Kelapile Patiko o boletse fa go itumedisa ka go sena bana ba ba duleng mo sekoleng ka ntlha ya boimana. Le ntswa go le jalo, o boletse fa ba na le kgwetlho ya letlhoko la boroko jwa barutabana gonne sekole se kgonne go fa barutabana ba le lesome boroko mme se se raya gore ba le lesome le boraro ga ba na jone. A re ba na le tlhaelo ya morutabana wa tsa temo thuo le lefelo la fa ba ka ruelang dikoko gammogo le dipudi teng. O supile fa batsadi ba sekole seo ba tshwaragane fela thata le barutabana ka mo nakong eno ba nale ditilo tsa dipolaseteke di le dintsi tse di duleng mo batsading. BOKHUTLO education 4 Metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balatedi Tona wa peeletso papadi le madirelo, Mme Bogolo Kenewendo a re kgaolo ya Kgalagadi e na le monyetla o montsi wa go tlhama dikgwebo, bogolo jang ka e le boremelelo jwa loruo. Tona Kenewendo o gwetlhile banni ba Kgalagadi Borwa go ema ka dinao go inaakanya le go itshimololela dikgwebo ka jaana metlhala ya khumo e le mentsi e tlhoka baletedi fela. Are seo se ka thusa go tokafatsa itsholelo ya Batswana gongwe le gongwe fa ba leng teng. Tona Kwenewendo o buile jaana ka Labotlhano mo Tsabong mo letsatsing la go simolodisa lenaneo la Metlhala ya Khumo le ka lone lephata la gagwe le ikaelelang go bontsha, go ruthuntsha le go rotloetsa Batswana ka dithuso le ditirelo tsa lephata la peeletso papadi le madirelo go tlhomamisa gore itsholelo ya Motswana mongwe le mongwe e a tokafala. O ne a tlhalosa fa lephata la peeletso papadi le madirelo le tlhaelelwa ke diofisi mo lefatshe ka bophara, a re seo se kokonela Batswana ka ba felela ba latela dithuso kwa ditoropong. Tona a re ke sone se lephata la gagwe le boneng go le botlhokwa go itshwaraganya le maphata a puso a akaretsa la dikoporase le a mangwe a le lesome le bongwe a a ikemetseng a akaretsa CEDA, LEA, BDC le BOBS maikaelelo e le go tshwaragana le go thusana ka maele le dithuso tse di farologanyeng. A re go tla go simolodisa Metlhala ya Khumo mo Tsabong go botlhokwa ka a ne a tla a patilwe ke bagolwane ba maphata le makalana a a ikemetseng go tla go ruta Batswana gore ba kgone go tlhaloganya ka fa a berekang ka teng le dithuso tse ba ka di akolang mo go one. E re ka jaana ditlhaloso le dithuto e ne e le matsorotsoro mo letsatsing leo go tswa mo maphateng le makalana a a ikemetseng, mogolwane go tswa CEDA Rre Andrew Madeswi o ne a tlhalosa fa e setse e na le dingwaga di le lesome le botlhano e ntse le teng. O boletse fa maikaelelo magolo a CEDA e le go tlhabolola mowa wa bogwebi ka madi go tlhamela Batswana dikgwebo. Rre Madwesi a re e re le ntswa ba otlolotse letsogo go thusa Batswana, se se swabisang ke banni ba Kgalagadi ka ba le maoto a tshupa go ikopela dithuso. A re ba setse ba thusitse Batswana ba le 1 100 ka P466 million mme mo mading ao banni ba Kgalagadi Borwa ba dirisitse fela P7 million ka dikgwebo di le lesome le bongwe. O ne a rotloetsa banni ba Kgalagadi Borwa go inaakanya le lenaneo la Mabogo Dinku ba ipopile ditlhopa ka go lebega le ka nowa moro ka le setse le tlodisitse Batswana ba le bantsi dinokana di tletse. Mme Malebogo Morakaladi, mogolwane go tswa kwa Botswana Investment and Trade Centre o ne a tlhalosa fa lekalana la bone e le go ngoka bagwebi go tswa kwa ntle le mo Botswana, kgodiso ya dikgwebo le go ba batlela mmaraka. Go le pele fa a amogela baeng Kgosi David Toto II o ne a kopa tona wa peeletso papadi le madirelo go buisana le boeteledipele jo bo lebaneng ka tsela ya Tsabong/Kuruman kwa Afrika Borwa e e ralalang molelwane wa McCarthy’s Rust gore e tshelwae sekontere ka e ka tshusa bagwedi ba Kgalagadi Borwa mo tokafatsong ya itsholelo ka go ba tlhofofaletsa mo thekong ya dithoto kwa lefatsheng leo. Mongwe wa bagwebi ba Tsabong yo o thusitsweng ka lenaneo mo lephateng la MYSC Mme Boitumelo Masilo wa madirelo a BOSE a a rekisang dijo o ne a leboga ba lekalana la LEA, a supa fa ba mo thusitse ka go mo tlhatlhelela dithuto le maele go tlhomamisa gore kgwebo ya gagwe e a gola le ka fa e tsmaisiwang ka teng go fitlhelela e nna mo seemong se e leng mo go sone gompieno. Tona Kenewendo o ne a gape a ya go lekola kgwebo e e dirang borotho kwa motseng oo le gone go tshwara phuthego le banana ba kgaolo eo mabapi le go itshimololela dikgwebo le gone gore ba buisane ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone le go tswa ka ditharabololo. A re seo se ka ba thusa go itshetsa le gone go itlhabolola ka e le bone ba ba kokonelwang ke manokonoko a letlhoko la ditiro. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Barui ba rotloediwa go nna pelotelele Mothusa mokwaledi wa lephata la temo-thuo, Dr Moetapele Letshwenyo o kopile banni ba metse ya kgaolo ya Tati Botlhaba, e e ka kwa botlhaba jwa seporo, go nna pelotelele le go tsaya boikarabelo jotlhe mo go tlwaetseng dikgomo tse ba sa tswang go di amogela. Dr Letshwenyo o ntshitse kopo eo, fa a buisa banni ba kgaolo eo, mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di tshwaretswe kwa metseng ya Ramokgwebana, Tshesebe le Tsamaya kgwedi eno e le malatsi a mararo, morago ga gore banni ba bolele fa ba kopana le dikgwetlho tse di seng kana ka sepe mabapi le dikgomo tse ba sa tswang go di busediwa. Dr Letshwenyo a re barui bangwe ba santse ba nale kakanyo ya gore dikgomo tseo ke tsa puso, mme fela ba tshwanetse ba itse fa jaanong e le tsa bone, a tlatsa ka gore e re le ntswa go di tlwaetsa e le tiro e e bokete, ba tshwanelwa ke go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go di tlwaetsa tikologo e ntsha eo. Metse eo, ya kgalo ya Tati botlhaba e mo tikologong e e neng ya amega mo tlhagogong ya bolwetsi jwa tlhako le molemo mo Zone 6 ka ngwaga wa 2011, mme dikgomo tsa bone tsa bolawa go leka go laola kanamo ya bolwetsi joo. Mothusa mokwaledi o rile, leruo fa le tswa kwa lefelong le sele, go tsaya nako gore le tlwaele tikologo e le gorogelang mo go yone, mo le felelang le aparwa ke mathata mangwe a a neng a umakiwa ke banni ba kgaolo eo. O tladitse ka gore kgomo e ka tswa e le morobanyana kgotsa e le tonanyana, fa e goroga mo tikologong e ntsha e kgona go kailakaila fela, mme e felele e tsamaya mosepele o mo telele e sa itse kwa e yang teng. Dr Letshwenyo a re, dikgomo tseo le tsone, di kopane le dikgwetlho di le mmalwa tse di akaretsang mosepele o mo telele wa go tswa kwa di neng di rekiwa teng, go itlwaetsa phulo le malwetsi a tikologo e ntsha, a re mme phelelong di tla tlwaela. O tsweletse a re, e re ka jaana banni ba ngongorega thata ka go swa ga dikgomo tseo, fela ga ba a tshwanela go di tlhoboga, mme ba pepetletse tse di santseng di tshela. A re, go mo maruding a barui go tlhomamisa gore ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go tlhokomela dikgomo tseo ka go di kenta le gone go di tlwaetsa tikologo mmogo le go latedisa tse di ka tswang di ineile naga. Mo go tse dingwe, Dr Letshwenyo o tlhalositse fa lephata la gagwe le simolotse go thusa balemi ka go lwantsha mhero ka tiriso ya tshefi, a re, mme go lebega balemi ba sa sola molemo thulaganyo eo. O kopile balemi go dirisa thulaganyo eo mo temong ya paka e e tlang, a re fela ba tshwanetse ba itse fa e dirisiwa mo temong ya go lema ka ditselana. O ba rotloeditse go lwantsha mhero ka o jela dijalo dikotla, mo di felelang di sa gole sentle. E ne e rile gole pele banni ba metse e e akaretsang go tswa kwa Jackaclas No 1 go wela kwa Jackalas No 2, ba tlhalosa fa dikgomo tseo di lwala e bile di swa ka dipalo tse di tshwenyang, ba bolela fa seo, se tla ba bakela lehuma la nta ya tlhogo, Ba boletse gape fa dingwe tsa dikgomo tseo di siya, mo ba felelang ba palelwa ke go di laola, bangwe ba tlhalosa fa mo nakong eno, ba latlhegetswe ke di le mmalwa mme le jaanong jaana ba sa itse kwa di leng teng. Kwa motseng wa Tsamaya, banni ba motse oo, le e e mabapi ba buile ba mmene phatla, ba re, ba sale ba ikuetse ka mathata ao mme go se thuso epe e ba e fiwang. Ba re, mothusa tona wa lephata la temo-thuo, Rre Oreeditse Molebatsi o kile a tla go buisa phthego koo mme ba mo rolela matshwenyego a bone. Ba re, ba ne ba solofetse fa Rre Letshwenyo a ba tlela dikarabo tse di botoka tebang le dilelo tsa bone, mme ba swabile nko go feta molomo ka a sa tla ka dikgang dipe tse di arabang dilelo tsa bone. Bokhutlo society 9 Tjekeledza o thusa go tlhabolola Tutume Mogolwane wa lephata la ditsela kwa khanseleng-potlana ya Tutume, Rre Tshepho Babeele, a re nngwe ya ditiro tsa bone ke go tlhomamisa gore ditsela di siametse go dirisiwa. Rre Babeele o buile jalo kwa moletlong wa lekgotla la Tjekeledza kwa Tutume fa go ne go simolodisiwa tiro ya go tshwaya matshwao a tsela kwa kgotleng ya Thini. A re fa go sena letshwao le le kaelaeng motho gore tsela e borai fa kae, kana e felela fa kae kana lefelo le o ka bonang thuso gaufi la botsogo, motho o tsaya nako go batla mo gongwe a fetile lefelo la teng, mme fa e le go tlhoka matshwao a tsela gone go felela go baka dikotsi. Rre Babeele o ne a supa fa puso e leka ka bojotlhe go baakanya ditsela le go tsenya matshwao a tsela gongwe le gongwe O ne a kopa setshaba go tlhokomela matshwao a tsela, a re fa a sa tlhokomelwe ditsela di tlaa felela di nna borai mo matshelong a batho ka go tlaa bo go sena sepe se se laolang tiriso ya tsone le go tsibosa batho ka borai jwa tsone. O ne a tsweletse a bolela fa ba ya go tshwaya letshwao la makgabaganyo a tsela (zebra crossing) go bapa le kgotla ya Thini, le letshwao la T-junction fa go kopanang tsela e e tswang Selolwane le e e tswang Magapatona le go tshwaya dithotobolo tsa tsela (hump) fa sekoleng sa Thini. Mothusa modulasetilo wa mokgatlho wa Tjekeledza, Rre Khumo Mmoloki a re mokgatlho oo ke wa banana le batho ba Thini. A re maikaelelo a mokgatlho oo ke go thusa mo go tlhabololeng motse wa Tutume. Rre Mmoloki o ile a tlhalosa fa moono wa bone e le gore mongwe le mongwe a tsaye lengwe la matshego a setshaba a tebelopele mme a leke go le diragatsa. politics 7 Babereki ba Taung ba direla bangwe Babereki ba motsana aa Taung kwa ga Malete le Kgosi Lebogang Masie ba abetse batlhoki dijo le melora ka Labone. E rile a amogela baeng, kgosi Masie a supa fa ba ne ba akanya go phepafatsa Taung, mme ba bona fa go sa lekana go phepafatsa fela ba sa thuse ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng, mme ba tlhopha bomme Akanyang Makapane le Galeo Moeletsi go ba abela. Kgosi Masie o supile fa ba tsere boikarabelo jwa go netefatsa gore motse wa bone o nna o le phepa ka dinako tsotlhe.E rile a ntsha maikaelelo a letsatsi, mokwaledi wa kgotla ya Taung, Mme Lesedi Mekgwe a supa fa ba ikaelela go netefatsa gore motse wa bone o nna o le phepa. Mme Mekgwe a re ba lemogile gore tikologo e e phepa e simologa fa motho a leng teng le mo tikologong ya gagwe.O supile fa ntlha e nngwe e le go ruta bana bophepa ba sale bannye, ka tikologo e e phepa e rotloetsa botsogo jo bo itekanetseng. Mogokgo wa sekole se segolwane sa Taung, Rre Mokganedi Mokaedi a re go thusa tshaba e o tshelang le yone ga se go tla ka mamphemphe fela.O supile fa tikologo e e phepa e le botsogo jwa botlhe, a bo a supa fa dipaka tsa ngwaga di fetogile, ka ntlha ya tikologo e e kgotlesegileng. Rre Mokaedi o kopile Batswana gore fa ba dirisa dilo, ba di dirise sentle le gone go di busetsa mo tirosong.O kaile fa lobopo lo kgotlelesegile ka ntlha ya ka fa motho a akanyang ka teng. A re fa motho a phepafatsa tikologo ya gagwe mme yo o bapileng nae a sa phepafatse ya gagwe, leswe leo le ya go ba ama botlhe.E rile a leboga, mokhanselara wa Taung, Rre Gabriel Nawa, a supa fa moono wa go thusa ba ba kobo dikhutshwane o dule ka Tautona wa lefatshe leno, Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama, a supa fa le mo Baebeleng o le teng. O lebogetse Batswana go tsosolosa mowa o, ka jaana ba fitlhetse bagologolo ba thusana. Bokhutlo society 9 Ba Chanoga ba iphutha metlhala Banni ba Chanoga le metsana e e mabapi ba ne ba tshologetse kwa kgotleng go ya go ikanoka go bona tse ba di kgonneng le dikgwetlho tse di ba lebaneng, mo phuthegong e e neng e biditswe ke bogogi jwa kgaolo le baemedi ba dikomiti ka go farologana. Fa ema morafe ka lefoko, moeteledipele wa Chanoga, Kgosi Oateng Sethodi, a tlhalosa fa ba bone go tshwanela go bitsa morafe go tla go lekodisana ka botsogo jwa kgaolo le gone go tswa ka ditsela tse ba ka di dirisang go kaba fa go saletseng kwa morago. A re tiro e e tona ya dikgosi ke go tokafatsa matshelo a morafe; ke ka moo ba biditseng bokopano jo, go tla go bona gore a go tema e e bonalang, e e dirwang ke bogosi. Le fa go ntse jalo, kgosi o ne a supa dikgwetlho dingwe tse a kopanang natso jaaka, go goga dinao ga batsadi go dira bo omang le gone go kwadisa matsalo a bana. A re go bo motho e le Motswana a sena omang, ke go ithontsha sebaka sa go akola mananeo le dithuso tsa puso. O kopile bao ba ba saletseng kwa morago go tla go ikwadisa fa kgotleng, gore batle ba thusiwe go bona bo omang ba bone. Kgosi Sethodi o ne a ikuela gape ka banni bangwe ba a reng ga ba duele dikoloto tsa dikatlholo, a supa fa gompieno ba na le melala e e fetang P20 000. A re e re ba dirile maiteko a go tlhofofatsa dituelo gore motho a ketlole, sebe sa phiri ke gore batswasetlhabelo ga ba tsibogele maiteko ao ka bangwe ba tsena ka lenga la seloko fa bangwe bone ba tima megala. Banni ba ne ba rotloediwa gape go tlhabolola ditsha tsa bone go hema go ka tsewa ke ba kabo ditsha fa lebaka le wela la gore di bo di tlhabolotswe. A re masimo a fetogile naga fela, e bile bontsi ga bo a kwadisiwa ka fa molaong mme a kopa morafe go dira se se tshwanetseng. Modualsetilo wa komiti ya dithabololo Rre Godfrey Chelekete o ne a tlhalosa fa ba kokoane jalo go tla go ngathogana ka fa bogogi le dikomiti di tshwereng ka teng mme a supa fa tsotlhe di apere tshiamo ka ba goga e le ngata. A re ditlhabololo di tsweletse sentle ka e ne ya re morago ga dithuto tsa go tsamaisa dikomiti tsa ditlhabololo, ba itirela lenaneo la tse ba eletsang go di dira. A re ba kgonne go dira ditiro jaaka go agelela lesaka la kgotla le ditiro tsa Ipelegeng ga mmogo le go gokela motlakase mo koporaseng. Rre Chelekete o ne a tsibosa morafe fa metsi e le matsorotsoro mo motseng wa bone mme a ba rotloetsa go a gokela mo malwapeng. A re ba ne ba itlamile go agelela dipompo tsa morafe mme ba kgonne e le nngwe fela ka ntlha ya letlhoko la madi. Dikomiti ka go farologana di akaretsa ya koporase, lekgotla la baruti, Chanoga Development Trust, ya batsadi le barubana, di ne tsa begela morafe ka tse ba dikgonneng le dikgwetlho tse ba kopaneng natso. Ba sepodise le bone ba ne ba supa fa ba sa jesiwe diwelang ke bogodu jwa leruo le tiriso botlhaswa ya bana ba dingwaga tse di kwa tlase. Ba boletse fa nako tse dingwe ba retelelwa ke go go tsibogela dipego le ditiragalo ka ntlha ya letlhoko la dikoloi; mme ba kopa kgakololo mo botsading gore ba ka tokafatsa jang seemo seo. Morafe o ne a wa galaletsa kgosi go bo a supile fa e le morongwa wa motia, ba supa fa e sale a tlhongwa mo setilong a dirile go tlala ka diatla. Ba re dilo ka bontsi di dirwa ka tsamaiso, go na le morero; mme ba mo rotloetsa go tshwara fela jalo. Ba re mo metseng e mengwe magosi ga a dire jaaka ene mme ba mo supa e le mogaka yo o ikemiseditseng go dira le batho e bile a eletsa go bona batho ba gagwe ba tshela, ba na le seriti. BOKHUTLO society 9 Mogotsi o itshetsa ka dinkgisa monate E re ka motlapele a boletse a re ‘metlhala ya khumo e mentsi,’ mme Rebecca Mogotsi yo o tlholegang kwa Kanye ke mongwe wa banana ba ba itshimololetseng kgwebo e potlana go leka go itshetsa le go tlhamela ba bangwe mebereko. Mme yo o dingwaga di masome mabedi le borobabongwe o tlhalosa fa a ne a simolola kgwebo ya go rekisa dinkgisa monate morago ga go bona a sa bone dipoelo tse di mo kgotsofatsang mo tirong e a neng a e bereka. A re o ne a sa kgone go gololwa go isa ngwana kokelong fa a lwala, le gone go tsenelela ditiro tsa mo lwapeng, mme se sa mo tlama go tsaya tshwetso ya go itlhamela kgwebo. O tlhaloseditse BOPA fa a simolotse kgwebo ya gagwe ngogola mme e bile a supa bareki ba ratile kgwebo ya gagwe fela thata. A re o ne a bona bareki ba latela dinkgisa monate tse kwa Gaborone mme a tla Maun a dira tshekatsheko go bona fa e le nnete mo Maun go rekisiwa diaparo fela. E rile go bona se, a seka a ipona tsapa a tla go simolola kgwebo ya gagwe mo Maun fa thoko ga marekisetso a dijo a Nandos. A re diphefume tse Batswana ba di rata fela thata ka e le tsa maemo a ntlha. A re dingwe tsa tsone ke black diamond le Paco Robanne. Mme yo o supa fa a reka diphefume tse kwa Afrika Borwa, mme morago a tle go di rekisa a di kala ka mabotlele go ya ka bokgoni jwa moreki. A re morago ga go simolola kgwebo e, botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetoga ka a kgona go tlhokomela ba lelwapa la gagwe. “Le dikgang tsa mo lwapeng ke kgona go di tsenelela ka ke ikutlwa ke nale seriti,” a tlhalosa. Mme Mogotsi a re le ntswa bagwebi ba amogetse kgwebo ya gagwe ka a mabedi a re dikgwetlho dingwe di mo dira gore a seka a nna le dipoelo tse a di solofetseng. Go supa fa ele monana yo o nang le tebelopele, a re se ga se mo kgobe marapo ka a itse fa dikgwetlho di baakanyetsa tse dikgolo mo botshelong jwa gagwe. O rotloetsa banana le bomme go ema ka dinao go fetola matshelo a bone ka go dirisa mananeo a puso fa ba sena madi a go itshimololela kgwebo. A re banana ba tshwanetse go tsena mo dikgwebong tse ba di kgonang e bile ba di rata gore madi a puso a seka a felela a wela ka motlhobodika. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Kgathi o kopa tshwaragano Tona wa Itshireletso, Molao le Thokgamo, Rre Shaw Kgathi, o lekodisitse bogogi jwa metse ya kgaolo ya Bokone Botlhaba ka lekoko le le romilweng go itebaganya le tlhako le molomo. O buile seo mo bokopanong jwa bone le magosi kwa Francistown ka Labobedi, a bolela fa ba tsile go etela kgaolo go simolola kgwedi ya Motsheganong e le masome a mabedi le bosupa go sekaseka seemo sa melelwane. A re bokopano jo bo tlaa ba tlhagolela tsela, gore e seka ya re ka moso ba tsena mo motseng e bo e nna bo moeng o etetse mang. Rre Kgathi o supile fa leeto la bone le tlaa simologa kwa Tuli Circle, go ya go tsena Mabule, Lenyetse, Matshelagabedi, Butale, Ramokgwebana go fetela kwa Maitengwe, mme e re morago ba tswelele le mosepele go fitlha mo mafelong mangwe. A re ka kgaolo e e na le mekgatsha fa gare ga dinoka, ka jalo mosepele o tsamaya o nna le tiego ka dikgwetlho tsa go nna jalo. Le fa go ntse jalo, Rre Kgathi o kopile morafe ga mmogo le bogogi jwa dikgaolo tsa metse eo go tshwaraganela kgang eo ya go tlhatlhoba melelwane, go lwantsha bolwetse jwa tlhako le molomo, borukuthi, ga mmogo le terata e e laolang matlhoko a leruo go bona gore kgang eo e ka lwantshiwa jang. Rre Kgathi o lekodisitse magosi go dira se se tshwanetseng a re bangwe batho ba na le go fitlha batswakwa ba ba tsenang mo lefatsheng leno e se ka fa molaong, mme e re morago bangwe ba go nna jalo ba utlwalelwe e le bone ba ba amegang mo borukutlhing. O kopile morafe go itebaganya le boammaaruri ka go supa ka fa molaong fa motho wa go nna jalo e le mongwe wa losika kana e le mmereki yo o thapilweng ka fa molaong. A re ba dirile lenaneo leo ka go tshwaraganela tiro eo le tona ya lephata la temo-thuo, itshireletso molao le thokgamo, lephata la diphologolo le bojanala, lekgotla la kabo ditsha ga mmogo le lephata la tsa mesepele le dipasa, gore e re morago ba tswe ka tharabololo ya seemo sa gore batho ba kgone go bona seemo sa sennela ruri sa go rua dikgomo tse di nang le boleng. O tlhalositse gore mangwe mafelo a ka fetolwa go nna boremelelo jwa go nna lefelo la diphologolo le go lema fa thoko ga noka. A re go dira jalo e tla a bo e le nngwe ya go tlhamela Batswana ditiro ga mmogo le go itsa dikgomo go tlolela kwa lefatsheng la Zimbabwe. Rre Kgathi a re ba tsere kgaolo e ka batho ba teng ba amilwe fela thata ke lehuma ka ba sena se ba ka se itirelang mme ba sa kgaphele a mangwe kwa thoko. Fa a mo kgwa dikgaba, Kgosi Simon Nkgageng wa Tati-siding o kopile puso go tsenya terata ya motlakase ya sennela ruri. O kopile batho go emisa go kgaola terata, a re go dira jalo ba a itshenyetsa ka puso e lopiwa madi a mantsi go baakanya terata eo e e laolang matlhoko a leruo. Modulasetilo wa komiti e e tlhokomelang tsa temo-thuo kwa Tshesebe Rre Leonard Mokgosi o lebogetse kgang e tona a ba e beileng pele, a tlatsa ka gore dilo dingwe di tshwana tiro ya go tlhokomela tereta e e laolang matlhoko a leruo e nne nngwe tiro ya bone. BOKHUTLO politics 7 Nnang le seabe mo ditlhabololong - Kgathi Banana ba rotloeditswe go nna le seabe mo go tlhabololeng lefatshe la Botswana. Se, se builwe ke motshwarelela tona mo ofising ya ga tautona le bodirelapuso Rre Shaw Kgathi ka letsatsi la boipuso kwa Bobonong. Rre Kgathi a re go nna le ditoro tse dikgolo jaaka go dira dikhamphani tsa kago le tse di rekisang dijo ke selo se se botlhokwa thata ka se ka dira gore lefatshe la Botswana e nne lengwe la mafatsheng a a tlhabologileng e bile a gatetse pele. A re setlhogo sa boipuso jwa monongwaga se se reng Botswana Pele, se tlama motho mongwe le mongwe go itshekatsheka gore ene seabe sa gagwe mo go direleng lefatshe la Botswana e nnile eng. O gwetlhile banana go tsaya thuto ka tlhoafalo ka gore ke yone e ka ba betlelang bokamoso jo bontle. Rre Kgathi a re thuto ya lefatshe la Botswana ke ya seemo se se kwa godimo se se ka itepatepanyang le mebaraka ya mafatshefatshe. O supile fa kgaolo ya Bobirwa e tletse ka banana ba nang le talente mo metshamekong le bodiragatsi jaaka Shumba Ratshega, Slizer le Trinity Nkwe. Rre Kgathi a re puso e re leng mo go yone ke puso ya kagiso ka gore mo ditshekatshekong tsa boeteledipe jo bo siameng tse di dirwang ke mafatshefatshe, Botswana e mo maemong a bobedi mo lefatsheng la Aferika. A re puso ya Botswana ke puso e e tsayang batho ba yone tsia thata mo go ba namoleng mo lehumeng la nta ya tlhogo, jaaka e dirile mananeo a tshwana le a nyeletso lehuma. A re puso ya Botswana e dirile go le gontsi go ntsha banana mo mekgwatheng ka mananeo a Tirelo Setshaba le la ithutelo tiro le le itsagaleng ka ‘Internship Programme’ ka sekgoa. O gakolotse banni ba Bobonong go tsenelela diphuthego tsa kgotla ka gore ke gone go ka ba thusang go utlwa gammogo le go amogela dikgang. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Mmirwa Malema o supile fa dikgosi tsa ntlha tsa lefatshe la Botswana di dirile tiro e ntle thata ya go re kopela tshaba eno boipuso kwa go Mmamosadinyana. Selo seo a re se tshwanetse go nna se ketekwa le go galalediwa ngwaga le ngwaga. A re banana, segolo jang ba e leng badiragatsi, ba tshwanetse go fokotsa meopelo kana mebino ya mafatshe a sele, mme ba dire se ngwao ya Setswana e leng sone. O tsweletse a gakolola baruti mo dikerekeng ka go farolagana go tsena ditirelo kana diphuthego tsa kgotla di tshwana le boipuso. Modulasetilo wa komiti e e baakanyetsang boipuso, Rre Robert Maemo, o gwetlhile setshaba go nna le mowa wa boithaopo. A re boithaopo ke jone bo ka dirang gore bontsi jwa ditiro di tsamaele kwa pele. Rre Maemo o ile a kopa kgosi go rotloetsa setshaba go tsenya letsogo mo ditirelong tsa kgaolo ka bontsi, kwa ntle ga tuelo epe.Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Ba le babedi ba tshegeditswe ke mapodisi Banna ba le babedi ba dingwaga tse di masome mabedi le boraro le tse di masome mabedi le bosupa ba tshegeditswe ke mapodisi morago ga go hulana le mapodisi kwa Mahalapye bosheng. Mothusa moanamisa mafoko a sepodisi kwa Gaborone, Senior Superintendent Dipheko Motube o boletse mo potsolotsong le BOPA gore mo banneng bao, ba ba neng ba le bane ka palo, go tlhokafetse a le mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le boraro wa Mathako kwa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami fa ba le babedi ba tshwerwe, mme a le mongwe a santse a ineile naga. Senior Superintendent Motube o tlhalositse fa banna bao, ba ba ntseng ba batlwa ke mapodisi mabapi le ditiragalo tse di farologaneng tsa borukutlhi, ba fithetswe ka dithoto tse di farologaneng jaaka tlhobolo, megala ya letheka le diaparo tsa mefuta e e farologaneng tse go belaesegang e le tsa bogodu. A re sepodisi se kopa setshaba go ba thusa go tshwara rre Andrew Tanishingo yo go bolelwang a ineile naga e bile a tshotse thobolo. Rre Motube a re fa ditlhothomiso tsa mapodisi di sena go wela, banna bao ba tlaa isiwa kwa kgotleng ya ditsheko go ya go lebisiwa molato wa borukutlhi le go filtlhelwa ka tlhobolo le marumo ba sena teseletso. Rre Motube o tlhalositse fa banna ba le babedi ba ba neng ba robaditswe kwa kokelong ya Mahalapye go alafelwa dikgobalo tse dipotlana morago ga go hulana le mapodisi ba ntshitswe. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Kemedi ya basadi e kwa tlase.. E re le ntswa bomme ba na le seabe se se bonalang mo ditirong tsa sepolotiki tse di farologaneng, kemedi ya bone mo bogoging jwa dipolotiki e santse e le kwa tlase fela thata. E rile a buwa mo boemong jwa tona wa tsa pereko le selegae kwa dithuto puisanong tsa go naya bomme dithata ka Mosupologo, Moranang a tlhola malatsi a supa, mokwaledi mogolo mo lephateng leo, Rre Ikwatlhaeng Bagaopi a bolela gore selekanyo sa bomme sa masome a mararo le motso se mo dikomiting dikgolo tsa diphathi tsa sepolotiki mo lefatsheng leno. Rre Bagopi o o boletse gore bomme ga ba bolo go nna le seabe mo pusong ya batho ka batho ya lefatshe leno ka e le bone ba tlhophang jaaka e le maloko a diphathi, ba boe ba kgobokanyetse diphathi madi. O boletse gore tiro ya lekalana la bomme ke e kgolo thata a tlatsa ka gore bomme ba tsweleltse ka go di goga kwa pele mo go kokoanyetseng diphathi tsa sepolotiki madi. A re bomme ba tsweleltse ka go nna batlhophi ba ba palontsi mme seo se a nametsa. A re jaaka e le lefatshe, Botswana o santse a tlamega go bona mme yo mongwe morago ga go tlhokafala ga ga Mme Eitlhopha Mosinyi yo o neng a simolodisa phathi ya sepolotiki ka ngwaga wa 1993 kana yo oneng a le mo seemong sa go nna mokwaledi mogolo wa phathi ya sepolotiki. O ne a galaleltsa Mme Hubona go nna mopalalmente wa ntlha wa mosadi wa kganetso, a tlatsa ka gore o tsile ka nako e e leng gore palamente ya gompieno ga e na mapaalamente a bomme a e seng matona. Rre Bogopa o boletse gore ene jaaka a le mokwaledi mogolo yo o lebaganyeng le tsa bong o ne a gwetlhiwa ke maduo a ditlhopho tsa 2009 a a supileng gore selekanyo sa lesome le bobedi mo lekgolong fela la bomme ba ne ba emetse ditlhopho tsa bokhanselara fa bosupa mo lekgolong ba ne ba emetse ditlhopho tsa bopalamente. O boletse gore legale go ntse go nna le diphetogo ka jaana kemedi mo maemong a a kwa godimo mo go bomme e ntse e a fetoga jaaka go supagetse ka poeletso ditlhopho e e diragetseng bosheng kwa Francistown. A re seo se dirile gore go nne le mosadi yo mongwe kwa palamenteng jalo a oketsa palo ya bomme kwa palamenteng go tswa mo go borataro le sephatlo mo lekolong go ya kwa go borobabobedi mo lekgolong. Rre Bagopi o boletse gore seabe sa bomme mo ditlhabololong se botlhokwa thata, a tlatsa ka gore Botswana o tsweletse ka go neela bomme dithata ka go ba tsenya mo dithulaganyoung tse di farologaneng tsa ditlhabololo. A re bosheng fela jaana, palamente e ne ya fetisa molao wa gore go tlhongwe sefikantswe go gopola le go tlebogela basadi ba Batswana seabe sa bone mo ditlhabololong tsa lefatshe leno. O rotloeditse setshaba go itse gore tekatekano ya bomme, e raya tswelelopele ya botlhe mme ka jalo go botlhokwa go neela bomme dithata le go ba baakanyetsa ditiro tsa boeteledipele jwa seoplotiki. Rre Bagopi a re tsholofelo ke gore ka thutopuisano eo, bomme ba ba nang le bokgoni jwa go tsena mo dipolotiking ba tlaa rotloediwa mme ba nne mo boetelediing pele jwa makgotla a dipolotiki. A re go dira jalo go tlaa oketsa palo ya bomme mo maemong a a nang le boikarabelo jwa go tsaya ditshwetso mo sepolotiking mo ditlhophong tsa setshaba tse di tlang. O kopile makgotla ka go farologana go ema nokeng bomme ba ba batlang maemo a sepolotiki a re ditlhopho tsa peoletlhokwa ke tsone konokono mo go iseng bomme kwa palamenteng le kwa dikhanseleng. Rre Bagopi o boletse fa nako e nngwe o fitlhela bomme ba kgaratlha ba le bosi fela ba engwe ke phathi nokeng. Mookamedi wa lekalana la bong mme Valencia Mogegeh ene o boletse gore boeteledipele jwa bomme bo godisa dithata tsa itsholelo ebile bo na le seabe mo se segolo mo ditlhabololong. Mme Mogegeh o tlhalositse gore go nna le seabe ka tekatekano ga bomme le borre go ka tsisa tekatekano ya bong. Mme Mogegeh o boletse gore mabaka a a dirang gore bomme ba seka ba emelwa ka tekatekano a bakwa ke go sa lekaneng ga dithata mo go felellang go kgoreletsa bomme go nna le matshelo a a eletsegang mo setshabeng. Moono wa thuto puisano eo o ne re “tekatekano ya bomme ke katlego ya botlhe, go tlhabolola seabe le kemedi ya bomme mo pusong le go tsaya ditshetso”. BOKHUTLO politics 7 Ba ikuela mo go Makgalemele Banni ba Poloka le Mokgenene kwa kgaolong ya Shoshong, ba ikuetse mo mopalamenteng wa bone, Rre Phillip Makgalemele, go thusa go ba inola mo letlhokong la motlakase le dikoloi tsa puso. Ba dirile boikuelo mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di tshwere bosheng. Kgosi ya Poloka, Rre Moathodi Selathwe, o supile fa go le botlhokwa gore ba nne le motlakase mo motseng wa bone, ka o tlhokafala mo ditirong tse dintsi, a a fa sekai sa gore melemo mengwe e tshwanetse go bewa mo botsididing jo bo rileng. Kgosi Selathwe o ne a ikuela le ka letlhoko la koloi ya puso, go thusa kwa kokelong, kwa sekolong le kwa kgotleng. Le fa go ntse jalo, Kgosi Selathwe o ne a supa fa a itumelela maiteko a go baakanya tsela e e gokaganyang Poloka le Dibete mme a re ga go a lekana. Dingwe tse di tshwenyang banni ba metse eo ke letlhoko la boroko jwa badirela puso. Rre Makgalemele o tlhalositse fa a kopile tona wa dipalamo le ditlhaeletsano, Rre Nonofo Molefhi go ba thusa ka dikoloi mme a re o supile fa a ise a tle mo seemong sa go ba thusa. Bokhutlo politics 7 Mapodisi a tlhotlhomisa kotsi ya koloi Mapodisi a Tshane ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone, rre mongwe wa dingwaga tse di magare ga 25 go ya kwa go 30, yo o tlholegang kwa Ukhwi, a neng a tlhokafala morago ga go amega mo kotsing ya koloi kgwedi eno, e le 22 mo tseleng ya Ngwatle-Ukhwi. Mo potsolotsong le BOPA, mookamela mapodisi a Tshane, Superitendent Vusimuzi Jorowe, a re Toyota Hilux le Landcruiser ya puso ke tsone di neng di amega mo kotsing eo mme dikoloi ka bobedi di ne di na le bapagami ba le bararo tsotlhe. Mookamela mapodisi a re koloi tseo di ne tsa thulanela mo godimo ga thota mo tseleng mme ka lesego, mokgweetsi wa Landcruiser a kgona go falola ka dikgobalo tse di potlana a bo a kgona go begela mapodisi tiragalo eo. Mokgweetsi wa Toyota Hilux o ne a ragosediwa kwa kokelong potlana ya Hukuntsi, kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a setse a tlhokafetse, fa ba borre ba bangwe ba ne ba bona dikgobalo tse di potlana mme ba gololwa gone foo. A re bapalami ba koloi ya puso bomme ba babedi ba ne ba bona dikgobalo tse di masisi mo mmeleng mme bone ba ragosediwa kwa sepateleng sa Princess Marina kwa a boletseng fa ba sidilega. Superintendent Jorowe o tlhalositse fa koloi ya Toyota Hilux e ne e pegile tau e e suleng e go belaelwang e le ya bogodu. A re tau eo ba e neetse lephata la diphologolo go e tshegetsa fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse go batlisisa kwa babelaelwa ba tsereng tau teng le se se ka tswang se bakile kotsi eo. A re borre ba le babedi ba mo diatleng tsa mapodisi go ba thusa ka ditlhotlhomiso tsa tau mme e bile ba setse ba itshupile fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata kwa Hukuntsi mme ba tlaa boa morago ga dibeke tse pedi. Mo go tse dingwe Supt Jorowe a re o tshwentswe ke dikotsi tsa tsela tse di gapang matshelo a batho ga mmogo le dipolaano mo kgaolong ya bone. A re monongwaga, go setse go tlhokafetse batho ba le babedi ntateng ya dipolaanong le ba le babedi mo dikotsing tsa tsela. O rotloeditse batho go nna ba kopa thuso ka nako tsotlhe fa ba na le matshwenyego. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Moseki ke moagi wa popota Dikgwedi di fera bongwe tsa boimana, ditlhabi tsa botsetsi, kutlobotlhoko ya go tlhokafalelwa ke ngwana o bo o akanya gore bomme go sengwe se se ka ba palelang, ke phoso e kgolo. Mopaki wa kgang e ke Mme Monica Moseki. Mme Moseki ke mme wa moagi yo o tlholegileng dingwaga tse di masome mane le borataro tse di fetile kwa Middlepits mo kgaolong ya Kgalagadi mme mo go seno sebaka a direla kwa Tsabong. Mme Moseki o simolotse a direla mo malwapeng mme fela lerato la go itirela ka diatla la mmitsa. O tlhalosa fa a tsene mo tirong e dingwaga tse nne tse di fetileng ka go ithuta mo bathong. A re go simologile fela fa moagi a se yo mme a tsweledise go aga le fa a ne a eta a senya fale le fale. A re ka thotloetso ya badiri ka ene o ne a tswelela ka go tokafala mme a sa ntse a bewa leitlhoo ka e sa ntse e le moithuti. A re letlhoko la ditiro ke lone le mo gwetlhileng go tsena mo tirong ya mofuta o, a supa fa a ne a sa batle go bona bana ba gagwe ba aja mabogo a dijesi, fa ene a ntse fela ka diatla le ntswa go na le se a ka se dirang go ithusa le ba lelwapa la gagwe. A re tiro e e bokete fela thata fa o sa ntse o e simolola mme fela ka tsamao ya nako mmele o a tlwaela. O ne a re bone e le bomme ba lebanwe ke dikgwetlho tsa mmele o o sa nonofang jaaka wa borre, tsa botsogo le boikarabelo jwa kwa lwapeng mme fela ene ga a letlelele seemo se go mo ema pele mo tirong ya gagwe, ka a batla go itshetsa le bana ba gagwe ba bane. Mo baneng ba, ba le babedi ba tsena sekole mme ba bangwe ba babedi ba setse ba se feditse. O tlhalosa fa ba lelwapa lwa gagwe ba se na bothata le tiro e a e dirang mme e bile ba mo rotloetsa thata mo go yone. “Ke mme, ke na le boikarabelo jo bontsi bo tshwana le go tlhaokomela lolwapa le go dira tiro ya mme, ka jalo ke kgaogantse nako ya me, go na le nako ya me le ba lolwapa lwa me le nako ya me ya go bereka,” a tlhalosa. O ne a tlhalosa fa dikgwetlho tse dingwe di akaretsa tsa madi, a re go batho bangwe ba ba sa dirisaneng le bone sentle e le bomme fa go tla ka fa go dueleng, ka jalo se se thatafatsa tiro ya bone le go ba kgoba marapo. A re go dira tiro e go batla gore o bo o le pelotelele le boikobo ka gangwe le gape o ka tlhoka kutlwisisano le mhiri. A re gantsi go nna le diphapaano fa gare ga se mhiri a se batlang le se mokwalo o se supang mme fela o tshwanetse gore kwa bofelong o bo o tsere tshwetso e e tlaa kgotsofatsang botlhe. Go supa fa mme Moseki e le mme yo o nang le boikarabelo le tebelopele, o ne a tlhalosa fa a batla go ipolokela madi gore a tle a kgone go ikisa sekoleng go ya go ikoketsa e seng fela go tlhola a ntse ka fa tlase ga moriti a emetse gore puso e mo tshele metsi mo ganong. O supa fa maikaelelo a gagwe e le gore ka lengwe la malatsi a bo a na le kgwebo ya gagwe, a thapile batho go ba fokotsa mo mebileng. O fetsa puisano ka mantswe a tletseng go itshepha le boikarabelo. O ne a gwetlha bomme botlhe go simolola go tsaya boikarabelo. A re go simolola fela ka go kgona go itseela ditshwetso. A re bomme ka bontsi ba emela borre gore ba ba akanyetse mme fela se se ketefatse tiro e ba tlaa bong ba e dira, ka lorato lwa bone lo se yo mo go yone. O ne a supa fa go sa tlhole go na le tiro e go tweng ke ya borre, a supa fa bomme le bone ba na le bokgoni le dithata fela jaaka borre go dira tiro ngwe le ngwe e ba ka e kgatlhegelang. BOKHUTLO society 9 Morui o abela banni ba Werda le Kokotsha lick to see more pictures Morui wa polasi e e gaufi le Werda, Rre Deon Van Zyl o abetse banni ba Werda le Kokotsha dijo tsa P40 000 go thusa malwapa a le makgolo mabedi mo manokonokong a di-tla morago tsa mogare wa corona mo nakong eno ya kiletso mesepele. Mo puisanyong le Rre Van Zyl o tlhalositse fa gape a ne a bona go le botlhokwa go supa kutlwelobotlhoko le lorato mo banning ba Werda le Kokotsha ka bontsi jwa babereki ba gagwe ba tswa koo. O ne a tlhalosa fa dijo tseo di tlaa thusa malwapa a le lekgolo le masome a mararo kwa Werda le ba Kokotsha ba le masome a supa. A re fa e sale a tla go nna mo Botswana ka 1993 o itebagantse le thuo le thekiso ya dikgomo mme o ne a ithuta botshelo jwa Batswana le dikgwetlho tsa botshelo tse ba kopanang le tsone, selo se a reng se mo tlhokisa boroko mo a felelang a thusa batho go tswa mo boteng jwa pelo ya gagwe. Rre Van Zyl o ne a tlatsa ka go supa fa a tlaa tswelela a thusa puso ka fa a ka kgonang ka teng le gore o tlaa rotloetsa gape barui ka ene go thusa banni ba kgaolo mo nakong eno. Fa a amogela dimpho tseo, mokhanselara wa Werda Rre Obokeng Maletsi o ne a galaletsa baabi a bolela fa go le sego letsogo le le abang go na le le amogelang. O ne a supa fa Rre Van Zyl a tswa kgakala a thusa banni ba motse oo e bile a kile a thusa mo kabong dimpho ya sekole se segolwane sa Tapologo e le tsela nngwe ya go tokafatsa maduo. Rre Maletsi o ne a tlhalosa fa go kanokilwe batho ba le 644 kwa motseng oo go ka thusiwa ka dijo tsa COVID-19 mme mo nakong ya gompieno go setse go thusitswe ba le 280 fela mme khansele e sa ntse e tsweletse. Mokhanselara o ne a supa fa Rre Van Zyl yo o dingwaga tse di masome marataro e le motho yo o lorato le gore o kgathalela batho, bogolo jang ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Rre Maletsi o ne a tlhalosa fa ba dumalane le boeteledipele jwa motse le ba boipelego gore dijo tseo, tse di abilweng ke Rre Van Zyl di ye go thusa malwapa a mmaboipelego a sa a tlhophang go ka thusiwa ka dijo mabapi le tsa segajaja sa COVID-19 ka gore le one a na le tlala lentswa e se kalokalo. society 9 Amogelang ba ba tswang mo kgolegelong Mookamedi wa kgolegelo ya Serowe, Senior Superintendent Shathani Thani, o kopile setshaba ka kakaretso go amogela magolegwa fa ba setse ba tswa mo kgolegelong. Senior Superintendent Thani o buile mafoko a kwa kabo-dietseleng ya magolegwa a le masome a matlhano le bone, ba ba neng ba tsene dithuto tsa baebele ba rutuntshiwa ke ba kereke ya Seventh Day Adventist. O ne a tlhalosa gore gantsi batho ba ba mo setshabeng ga ba amogele magolegwa ka lorato jaaka pele, mme a tlatsa ka go supa fa mokgwa o, o sa siama. A re kgolegelo ke lefelo le batho ba ikagang teng, mme ka jalo ba le bantsi fa ba tswa teng e a bo e le batho ba ba sha. Senior Superintendent Thani a re kereke e na le seabe fela se se tona mo setshabeng, ke ka moo ba dumelang gore motho fa a le mo kgolegelong o tlhokana le thuto e e maleba gore a kgone go agega sentle. O ne a tlhalosa gape fa go aga motho go tsaya tshwaragano e ntsi ya setshaba le dikereke; go amogela le go tshela le batho sentle fa ba fetsa lebaka la bone mo kgolegelong. O boletse fa kgolegelo e le selo sa nakwana mme ka jalo batsadi le setshaba ka karetso ba tshwanetse go amogela bao ba ba kileng ba nna mo kgolegelong ka tsoo pedi fa ba boa. O ne a kopa gape le magolegwa gore fa ba ntse ba rutwa jaana go tsene mo dipelong tsa bone mme ba agege, e bile le se ba se rutwang se itshupe le ka ditiro tsa bone motlhang ba tswang mo kgolegelong. Rre Thani o ne a akgola dialogane tsotlhe tse di tsereng ditlankana, a re mo ba go dirileng ke gone go batla lesedi le gore ba itse bomolemo le bosula, mme ka jalo a ba kopa go tshwara ka thata. O ne a gwetlha le ba bangwe ba ba sa tsenang dithuto tseo go ikakanya mme ba ikwadisetse dithuto tseo ka di le mosola fela thata. E rile a tswa la gagwe, go tswa kwa kerekeng ya Sabata, Moruti Steven Makuku a tlhalosa fa ba ne ba rutuntsha magolegwa ao ka lenaneno la kereke ya bone la dithuto ka tlhaeletsanyo la ‘Voice of Prophecy’. Moruti Makuku a re lenaneo le le rutuntsha botlhe ba ba nang le kgatlhego ya go ka itse mosola le bogolo jwa lefoko la Modimo. A re ka lenaneo le, ba kgona go ruta le bone barutegi tota, dikereke, baruti le babereki fela ba ba nang le kgatlhego ya go itse lefoko la Modimo mme kwa bofelelong ba fiwe ditlankana. A re maikaelelo a lone ke go aga motho, ka e bile bone ba dumela gore motho o agelwa mo Modimong. O ne a tlhalosa gore lenaneo le la bone ba le dira mahala go sena dituelo dipe, ka jalo fa batho kana mang fela a batla dithuto tse a ka ba kwalela. Le ene fela jalo o ne a kgothatsa magolegwa a a sa ikwadisetsang lenaneo le go iketleetsa mme le bone ba tle ba bone gore le mosola jang ka le kgona go fetola matshelo a bone ga mmogo le dikakanyo tsa bone gore ba tshele sentle. BOKHUTLO society 9 Megobagoba e oketsa dikotsi Go tlhomagana ga dikoloi tsa megobagoba mo tseleng go na le seabe mo dikotsing tsa tsela. Mogolwane wa mapodise a pharakano kwa Ramotswa, Assistant Superintendent Agrippa Gambule, o boletse se mo puisanong bosheng. A re go le gantsi, bakgweetsi ba megobagoba ba tsamaya ba tlhomagane mme se se sire bakgweetsi ba bangwe le go nna le seabe mo go bakeng dikotsi. A re bosheng, teraka ya mogobagona e e rwalang dithoto e ne ya thulana le e nngwe mo tseleng ya A1 gaufi le sekole sa mapodise sa Botswana Police College. Rre Gambule a re dikoloi tse, di ne di tlhomagane mme ya re mokgweetsi yo o kwa pele a fokotsa lobelo, yo o kwa morago a seka a mmona mme a mo thula kwa morago. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa dikoloi tse e ne e le tsa khamphani nngwe kwa Aferika Borwa. Rre Gambule o ne a gakolola bakgweetsi ba megobagona go letlelela dikoloi tse dinnye go ba tsena ka bogare, a bo a tlatsa ka gore go ne ga seka ga nna le dikgobalo mo kotsing eo. Mo go e nngwe tiragalo, Rre Gambule a re koloi ya mogobagoba e ne ya wa gaufi le masimo a Sentlhane fa gare ga Gaborone le Ramotswa. A re dipatlisiso di supa fa mokgweetsi wa mogobagoba oo a ne a leka go fema kotsi, mme a latlhegelwa ke taolo. Rre Gambule a re mogobagoba o, o ne wa digela ditshipi tse o neng o di rwele mo tseleng. O ne a tlhalosa fa ba santse ba le mo patlong ya mokgweetsi o o neng a baka kotsi eo mme a inaya naga morago ga go bona mogobagoba o menoga. A re mokgweetsi wa mogobagoba o ne a alafelwa dikgobalo tse dipotlana kwa Bamalete Luthren Hospital mme a gololwa. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Mogokgo o lela ka tlhaelo ya matlo a borutelo Mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Kgaogano Pagiwa a re sekolo seo se lebanwe ke kgwetlho e kgolo ya tlhaelo ya matlo a borutelo le mosuke o o ko godimo. O supile fa ba tshwenngwa thata ke seemo sa tlhaelo ya matlo a borutelo, selo se a supang fa se ba ketefaletsa tiro ebile se kgoreletsa dithuto tsa bana.A re ba patalesega go rutela bontsi jwa bana ka fa tlase ga ditlhare mme nako tse dingwe ba kgorelediwa ke seemo sa bosa se tshwana le dipula. Rre Pagiwa o ntshitse ngongora e mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng, Rre Thomas Batlhophi yo e ebileng gape e le mokhanselara wa kgaolwana ya Takatokwane/Dutlwe.A re palo ya baithuti ba sekolo seo e gola ngwaga le ngwaga , a supa fa mo bogompienong se na le baithuti ba le 665,mme matlo a borutelo one a le lesome le borataro. A re ka jalo ba patelesega go sukaganya palo e ntsi ya bana mo ntlong ya borutelo e le nngwe ka ba na le tlhaelo e ntsi. O supile fa go sukaganya bana e le kgwetlho ka jaana ba sa kgone go laolesega sentle.A re sekolo seo se itemogela kwelotlase ya maduo ngwaga le ngwaga mme a ikuela mo batsading go tshwaragana le barutabana gore maduo a tle a tokafale. Le fa go ntse jalo, Rre Pagiwa o ne a supa fa tlhaelo ya barutabana e e neng e tshwenya pele e tokafatse ka jaana ofisi ya thuto e e mo kgaolong potlana ya Letlhakeng e neetswe boikarabelo jwa go hira go na le go kopa barutabana kwa diofising kgolo jaaka go ne go dirwa pele. E ne ya re go le pele, batsadi ba supa fa seemo sa sekolo seo se ngomola pelo fela thata ka jaana bana ba rutelwa ka fa tlase ga ditlhare ka nako tsa mariga mme ba supa fa seo e le nngwe ya kgwetlho e e digelang maduo a bana kwa tlase.Fa a tswa la gagwe, modulasetilo Rre Batlhophi o ne a gatelela botlhokwa jwa tshwaragano ya barutabana le batsadi, a kaya fa popagano ya bone e le konokono mo go tokafatseng seemo sa thuto ya bana. Rre Batlhophi o ne a tlhalosa fa seemo sa tiego ya dibuka se tla tokafala,ka e tla re mo bogaufing go abelwe dikole tse di farologanyeng dibuka. A re mathata a tiego e nnile go ntsha dithendara thari mme a solofetsa fa ba itlamile gore e re ngwaga o o tlang ba e ntshe ka nako gore ba seka ba nna le kgwetlho e gape. O ne gape a kopa barutabana bangwe ba sekolo seo gore ba iphuthe methala ka go dira tse dintle gore ba nne sekao mo baneng ka le bone e le batsadi ba bone.O ne a gatelela se morago ga gore batsadi bangwe ba supe fa ba sa jesiwe diwelang ke maitsholo mangwe a barutabana ba ba direlang mo motseng oo. education 4 Molaodi o gwetlha setshaba go itlhokomela Setshaba se gwetlhilwe go somarela botsogo jwa bone gore ba kgone go tshela botshelo jo bo babalesegileng. Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la botsogo bosheng, mothusa molaodi wa toropo ya Lobatse Rre Ernest Phiri o gakolotse badiredi gore go botlhokwa gore batho ba itshidile mebele gore botsogo jwa bone e nne jo bo itumedisang. O gwetlhile bodiredi jotlhe go itshekatsheka go bona gore a ba tshela botshelo jo bo siameng kana jo bo ka ba bakelang malwetse. Rre Phiri a re go le gantsi batho ba tshabelelwa ke go nna ka maikutlo a a sa iketlang a a feletsang a ama botsogo jwa bone. Ka jalo o kopile bodiredi gore ba nne ba kgaogana matshwenyego a bone le balekane go ikimolola morwalo wa dikakanyo. Rre Phiri a re modiri o tshwanetse go rata tiro ya gagwe e bile a e dira ka nako, a tlhalosa gore go sa dire tiro ka nako e e beilweng go baka gore tiro e kokotlegele mme yo o e dirang a felele a dira ka maikutlo a a sa ritibalang. Mo go tse dingwe, mothusa molaodi a re modiri o tshwanetse go nna le botsalano le tikologo ya tiro ya gagwe ka jaana go dira mmogo go ka thusa go ntsha maduo a eletsegang go na le fa motho a dira a le nosi mo a supileng go sa ntshe maduo a a nametsang. Mooki wa kokelo ya Sbrana, Mme Kgomotso Tidimalo a re motho yo o itekanetseng tlhaloganyo o bereka sentle, maikutlo a sa fuduega. A re dilo tse di bakang gore tlhaloganyo e seka ya itekanela di akaretsa ditagi le majalwa tse a reng di ama thata bana ba dingwaga tse di kwa tlase. Mme Tidimalo a re go tlhoka go ja sentle go ka ama boboko mme go bake bolwetse jwa tlhaloganyo. O tsweletse ka gore dingwe tsa dikgwetlho e ka nna matshelo a selegae jaaka manyalo a a sa iketlang. O kgothaditse setshaba go ithuta go buisana le balekane ba bone fa ba na le mathata go itsa seemo sa go kokotletsa botlhoko ka kwa teng, a re se se ka dira gore motho a felele a lwala bolwetse jwa tlhaloganyo. O tlhalositse fa bolwetse jwa tlhaloganyo bo ka bakiwa ke malwetse a tshwana le jwa HIV/AIDS, kankere, bolwetse jwa sukiri gape bo kgona go tsena ka segotso mo lesikeng. health 6 Moopelo o rotloetsa tshwaragano Mookamedi wa khamphane ya Pula Holdings, Rre Kagiso Mmusi, o rotloeditse kereke ya Faith Gospel After Christ (FGAC) go tswelela ka dikgaisanyo tsa moopelo tse ba di tshwarang ngwaga le ngwaga ka nako ya paseka ka di na le seabe mo go kopanyeng maloko a kereke. Fa a bula semmuso dikgaisanyo tseo kwa Ratholo ka Matlhatso, Rre Mmusi o boletse fa moopelo o ka thusa motho go itomaganya le Modimo le go mo galaletsa. A re jwa banana ba ba neng ba tsere karolo mo dikgaisanyong tseo, go bonala ba ineetse mo Modimong. Rre Mmusi a re le mo Baebeleng go na le ditemana tse di supang fa Modimo a ne a galalediwa ka moopelo. O ne a leboga mosimolodisi wa kereke ya FGAC, Moporofita Robert Modikwa go nna le tebelopele e tona ka a ne a aga sekole le kokelwana kwa motseng wa Ratholo. A re o ne a supa lerato le go tlhaloganya gore ba-na-le-seabe ba tshwanetse go thusa puso go tlhabolola lefatshe. O ne gape a lebogela FGAC go tsenya letsogo mo go thuseng batlhoki. A re ka malatsi a Keresemose ka 2018, FGAC e ne ya abela motlhoki ntlo mme a ba rotloetsa go tswelela ka thulaganyo eo. Dikhwaere tsa kereke eo, di le lesome le bone go tswa kwa mafelong ka go farologana di ne tsa iteisanya borathana, mme di ne di itlhamela pina ka lekwalo la ga Mathaio 26 temana 59 go fitlhelela ka 64. Dikhwaere tseo di ne di kgaogantswe gabedi ka setlhopha sa A le sa B, mme di opela mmino wa clap and tap. Rre Emmanuel Kgang yo a opedisang khwaere ya Palapye Voices, e bile e le morutuntshi wa moopelo e ne e le mongwe wa baatlhodi kwa dikgaisanyong tseo. O ne a bolela fa mmino o o neng o opelwa ke dikhwaere tseo e le mmino o o monate fela thata, mme e bile o ne o le thata go atlholwa. Khwaere ya Masama go tswa kwa Serowe, e ne ya tsaya maemo a ntlha, fa ya Francistown e ne ya tsaya maemo a bobedi, mme ya Letlhakane e ne ya tsaya maemo a boraro tsotlhe di le mo category A. Mo dikhwaereng tsa category B, khwaere ya Sefhare e ne ya tsaya maemo a ntlha, ya Majwaneng ya tsaya maemo a bobedi fa ya Tlokweng e ne ya tsaya maemo a boraro. religion_and_belief 8 Ba kgothadiwa go kgaratlhela go jesa lefatshe Moeteledipele wa lenaneo la sepodisi la Kgomokhumo IV, Senior Superintendent Ineeleng Lesikawe, o kopile banni ba Chanoga le metse e e mabapi go ba thusa ka dintlha tse di ka nolofatsang ditlhotlhomiso mo dikgannyeng tsa bogodu jwa leruo. O buile se fa lekoko le le akaretsang kgaolo ya Ngami le ya Ghanzi le ne le ile go ipega le go tlhatlhelela banni ka dikgang tsa go fema borukutlhi kwa Chanoga bosheng. Rre Lesikawe o ne a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go sala kgang morago go fitlhelela mmelaelwa a atlholwa. Mogolwane o ne a kopa morafe o o neng o tsene pitso e, go ba loma tsebe ka sepe fela se ba belaelang se amana le bogodu jwa leruo, a ba rotloetsa go se boife ka maina a bone a sireletsegile. Moeteledipele yo, o ne a supa fa ba gorogile mo kgaolong mme a kopa tirisanyo mmogo le botsadi gore tiro ya bone e nne bonolo. A re tirisanyo mmogo le lekoko le e botlhokwa, ka le tlhamilwe go thusa banni ka ba ne ba lela ka borukutlhi jwa leruo. Rre Lesikawe o ne a solofetsa morafe gore ba tlaa itepatepanya le borukutlhi jwa leruo. Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Oateng Setlhodi yo o tshwentsweng ke bogodu jwa leruo, o ne a akgolela lekoko le go ba tswa mokgosi. A re dikgang tsa borukutlhi ga di wela sentle ka ntlha ya bosupi jo bo sa nonofang a supa fa gape bangwe ba na le mokgwa wa go tsholola dikgang. Kgosi Setlhodi a re bangwe ga ba bege ditiragalo ka ba re ba kgobiwa marapo ke gore badiramelato ba ya kgolegelong fa batswasetlhabelo bone ba sa boelwe ke sepe. O ne a supa fa a le bete se molangwana gore lekoko le tsile ka paka e e seng yone a re mo gompienong barui ga ba tlhatlhele leruo. Monni wa motse, Rre Odiegile Pontsho o ne a eletsa gore e kare lekoko leo le ka bulelwa ofisi ya sennelaruri kwa Chanoga gore ba akole dithuso gaufi. A re o lemogile fa banni ba felela ba tsena mo mathateng ka ntlha ya go tlhaela kitso le thuto a re se ba se rutilweng se tla ba bula matlho mme ba fetole ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng. “Re le banni re itse dirukutlhi tse di re kgokgontshang mme re ntse ba tshaba go loma mapodise tsebe.”Rre Pelosera Ngande le ene o ne a supa fa ba ntse ba nyoretswe Kgomokhumo ka ba ne ba ntse ba e utlwalela ko mafelong a mangwe e bile ba e tswela pelo ka e ne e heela borukutlhi. A re ke boammarari gore e le barui ba ntse ba sa sale tsamaiso ya theko le thekiso morago mme a supa fa ba rutegile jaanong e bile ba tla ruta le ba bangwe. Rre Talhego Ngakaefe o supile fa bangwe ba utswa dikgomo tsa ba bangwe ba ikantse gore ba tla a dirisa dingaka tsa setso go nyeletsa dikgetsi tsa bone. O ne a kopa gore katlholo ya ba dira molato e sekasekiwe ka maikaelelo a go okediwa a supa fa dingwaga tse tlhano di sa ba kgotsofatse. O supile gape fa bogodu jwa leruo bo gakadiwa ke mapodise mangwe a a reng a itsalantse le dilalome mme fa ba begelwa dikgetsi ba goga dinao fela ka ba leka go sireletsa ditsala tsa bone. Banni ba Chanoga le metsana e e mabapi ba ba neng ba phophoma ka boitumelo ba amogetse lekoko leo mo kgotleng ya Chanoga ka diatla tsoopedi ba bo ba le solofetsa fa ba tsile go ba ema nokeng go netefatsa gore tiro ya bone e nna motlhofo le gone go ntsha maduo a a eletsegang. Lekoko leo le thibeletse kwa Chanoga mme le tlaabo le itebagantse le kgaolo ya Ngamiland yotlhe. environment 5 Goledzwa e supa lorato Mokgatho wa Goledzwa wa kgwele ya dinao mo kgaolong potlana ya Tutume o supile mowa wa lerato ka malatsi a Botsalo jwa Morena. Mookamedi wa mokgatho oo, Rre Unopa Moshabi o buile gore le bone ba bone go tshwanela gore ba kgaogane tlhogwana ya tsie le balwetse, ka go ba abela dijo tse di agang mmele. A re se se tlaa tlisa pholo mo balwetsing, ga mmogo le go fokotsa ditlhabi mo mebeleng ya bone ka go bona bangwe ka bone ba tsile go ba tlhola le go ba fa lorato. Rre Moshabi o tlhalositse gore e le ba komiti ya Goledzwa ba tswa kgakala ba abela balwetsi ba sepatela sa Tutume mme gompieno ba okeditse go feta ngwaga o o fetileng ka go tsenya letsogo le mo go tse dingwe tsa motse. Mokgatlho oo gape o ne wa abela ba Leobo Project madi a P3 000 go tlatsa mo mading a a ntseng a le teng a P87 000 a go aga leobo la kgotla e tona le le tlhokang madi a mantsi. O tsweletse a re ba okeditse madi mo go tsotlhe tse ba neng ba di abea , ka gore le bone e le banana ba ba batla go nna le seabe mo go tlhabololeng motse wa bone le mororo ba tsaya nako e telele ba seo ka tsa tiro. Rre Moshabi a re ba file gape sekole se sebotlana sa Thini madi a P 3000 go baakanya mochine o o romelang dipampiri ka o sale o nna lebaka o senyegile. society 9 Ba atla mananeo Kgosi Matsoga Gaogane wa Mmutlane mo kgaolo potlana ya Mahalapye o supile fa banni ba motse wa gagwe ba itumelela mananeo a puso ebile ba inaakantse le one ka dipalo tse di kwa godimo. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, Kgosi Gaogane o tlhalositse fa mananeo a akaretsa thuo ya dihutshane le dikoko, nyeletso lehuma, Ipelegeng le metshameko a amogetswe ka mabogo oo mabedi. Le fa go ntse jalo kgosi o tlhalositse fa barui ba ba thusitsweng ka lenaneo la thuo ya dihutshane le dikoko ba lebaganwe ke dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya metsi le phulo ka gore motse o monnye. Bogodu le jone ga bo jese morafe di welang.. Kgosi o ne gape a supa fa a itumedisiwa ke ditlhabololo tse di dirilweng ke puso mo motseng. O kaile fa ditlhabololo di tshwana le tsela ya sekontere e e tsenang mo motseng e ba sa bolong go e batla, motlakase, kokelwana le maranyane a Kitsong Centre di fetotse matshelo a banni ba motse wa gagwe fela thata. Mo go tse dingwe Kgosi Gaogane o supile matshenyego ka borukutlhi jwa go thuba marekisetso le matlo a banni go bo go utswiwa dithoto jo bo tsweletseng ka go diragala, o tlhalositse fa borukutlhi jwa go nna jalo bo le bosha mo motseng wa Mmutlane. Kgosi o ne gape a supa fa ba sa robadiwe ke tiriso ya ditagi tse di sa tlwaelesegang di tshwana le motokwane, a tlhalosa fa go dirisa motokwane go golela pele. O tlhalositse fa badirisi ba tagi eo ba e tsaya kwa metseng e e mabapi jaaka Mahalapye le Shoshong mme go na le pelaelo ya gore bangwe banni mo motseng ba simolotse go rekisa tagi eo. O kaile fa ba tsweletse ka go itemogela ditlamorago tsa go dirisa motokwane di tshwana le dintwa le go senyega ga dithaloganyo mo badirising ba tagi eo. crime_law_and_justice 1 Leuba le tlhasetse Otse Leuba le tlhasetse motse wa Otse kwa kgaolong ya legare. Seemo sa leuba se okeditswe ke go tlhoka phulo ya leruo, go kgala ga metswedi ya didiba le go tlhoka thobo e e nametsang mo temong ya monongwaga. Kgosi Boithamako Keipone o boletse mo potsolotsong gore e re ka dipula di dikile di le boutsana mo kgaolong eo, dijwalo di ne tsa bolawa ke letsatsi mo e bileng batho ba ba neng ba lemile ka lenaneo la ISPAAD ba duleng ba iphotlhere fa leruo lone le kaila kaila fela ka jaana didiba le tsone jaanong di simolotse go kgala. Kgosi Keipone o boletse gore ka go sena phulo monongwaga e bile didiba le matamo di simolotse go kgala o kopa mmuso go sekaseka go ba hokoletsa ditlhatlhwa tsa dijo tsa leruo le melemo. A re o ka leboga go menagane fa lenaneo la Ipelegeng le ka tsweledisiwa mo motseng wa gagwe gore batho ba kgone go itshetsa ka lone. E rile a itebaganya le dikgomo le dipodi tse puso e di rekelang batho ba tennyana-teng ka maikaelelo a go tlhabolola matshelo a bone, a bolela fa diruiwa tsa go nna jalo di letlelelwa go nwa mo sedibeng sa morafe ka jaana batho ba tennyana-teng ba sena dithata tsa go ikepela didiba. A re ka dinako dingwe fa sediba sa bone se senyegile ba kgona go kopa metsi kwa motseng wa Lephepe kwa kgaolong ya Kweneng. Rre Keipone o tsweletse ka go tlhalosa fa mathata mangwe a a tshwenyang mo motseng oo, e le a go senyega ga terata ya thibelo matlhoko a loruo e e kgaoganyang kgaolo ya Gammangwato le kgaolo ya Kweneng. A re ka terata eo e na le dingwaga di ka tshwara nne kana botlhano e ntse e senyegile, o kopa puso go tsosolosa terata eo ka lenaneo la Ipelegeng ka jaana ba lephata la tsadiso le matlhoko a leruo ba sa tsee dikgato dipe ntswa ba sale ba boleletswe ka seemo sa terata eo. Kgosi Keipone a re fa go sa tsewe dikgato ka bofefo go baakanya terata eo, dikgomo tsa kgaolo ya Kweneng le legare di ka nna tsa tshelana malwetse ka go sena terata e e di kgoreletsang go kopana. environment 5 Puso e ititaya ka thupa go thusa Batswana Molomaganya ditiro tsa lenaneo la Ipelegeng mo kgaolong-potlana ya Good Hope, Rre Phineas Lebese a re puso e ne ya tla ka mananeo a a itebagantseng le losika loo motho ka maikaelelo a go ntsha Batswana mo lehumeng, a mangwe a one e leng la SHHA, la LIMID le a mangwe. Rre Lebese o buile jaana kwa Magoriapitse fa a ne a bula semmuso ntlo e e agetsweng motlhoki bosheng. Ntlo eo ya dikamore tse tlhano ka ya matlhapelo, e ne ya neelwa Mme Kegaisamang Keemetswe yo e leng motlhoka pono semmuso. Rre Lebese a re puso e ne ya sekaseka matshelo a Batswana, mme ga lemotshega botshelo jwa bone bo farologana, ka jaana maduo a ditshekatsheko tseo e nnile gore bangwe mo go bone ke ba ba tlhokileng lesego kgotsa ba ba sa kgoneng go itshetsa. O tlhalositse gore godimo ga dilo tsotlhe puso e ne ya lemoga gore motho ga a kake a tshela sentle a sena bonno ka e le jone bo fang motho seriti, ka jalo go agela batho bonno ya nna mangwe a mananeo a puso e a tlhomang kwa pele. Rre Lebese a re ke ka moo go nang le lenaneo la ga Tautona la go agela batlhoki matlo, a re dikhansele di agela batho ba ba tlhokileng lesego matlo e le maiteko a go tlhabolola matshelo a Batswana. O tlhalositse gore ntlo eo ke ya bomasome a mabedi le boraro go agwa mo kgaolong-potlana ya Good Hope ngwaga ono ka lenaneo la go agela batlhoki matlo ke khansele eo mme le ikaegile ka la ga Tautona. Rre Lebese a re o itumeletse go utlwa fa batho ba ba neng ba neetswe boikarabelo jwa go tlhokomela kago ya ntlo eo ba dirile tiro eo ka neelano, ba tshwaragane le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse. A re ke ka moo tiro e tsweletseng ka thelelo, a gatelela ka go re go a itumedisa go bona komoiti ya ditlhabololo tsa motse e bopagane boglo jang ka go supegile fa bontsi jwa dilwana tse di ntshitsweng ka boithaopo di dule mo go bone. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Geoffrey Khoane o boletse fa go tsere dikgwedi tse tharo go neela Mme Keemetswe ntlo eo ka jaana a ne a supile fa a sena dilwana le tsone tota tse di jelang go ka di dirisa mo ntlong eo, mme seo sa dia thulaganyo ka ba VDC ba ne ba santse ba mo kopela dithuso mo morafeng go mo kgontsha go ka fudugela mo ntlong eo, mme ba atlega ba bona didirisiwa, fa ba komiti ya VDC bone ba mo reketse dijo, melora le tse dingwe. Kgosana wa motse oo, Rre Letlhogonolo Moses o lebogetse kago ya ntlo eo, a supa fa e le ya bone go agwa mo motsing wa gagwe e bile a supa fa bangwe ba khamphani e e ikemetseng le bone ba supile fa e tlaa re mo nakong e e sa fediseng pelo ba age matlo a batlhoki a le mabedi mo Magoriapitse. O kopile mme yo o sa tswang go neelwa ntlo eo ene le bana ba gagwe go e tlhokomela thata, a kopa morafe gore le one o kganele leruo go tsena mo lapeng leo ka le ka dira tshenyo e ntsi. A re ba ntshe leruo mo motsing ka le dira tshenyo e ntsi e bile le ba itsa go kgabisa malwapa ka go jwala ditlhare le dithunya ka ntlha ya tshenyo ya loruo. Kgosi o lebogetse morafe mowa wa lorato go thusa Mme Keemetswe ka tse a di tlhokang, mme a ba kopa go tswelela fela jalo ka go emana nokeng. Fa a tswa la gagwe, Mme Keemetswe o supile fa e le boitumelo jo bogolo mo go ene go bo puso e mo file seriti ka go mo agela ntlo. A re seo se tlaa tokafatsa botshelo jwa gagwe thata ene le bana ba gagwe ba bararo le ditlogolwana tse pedi. Dibui ka go farologana gammogo le mokhanselara, Rre Charles Modimothebe ba kopile morwadie mme yoo go tlhokomela motsadi wa gagwe le ntlo eo, ka e le ene matlho a gagwe ba mo kopile go fa motsadi wa gagwe lorato le tlhokomelo e e tseneletseng, ba tlhalosa gore jaaka e le motlhoka pono, o tlhoka lorato le bopelotelele. BOKHUTLO society 9 Ngwana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya thuto E re ka bogole bo sa tsalelwe e bile go se na ope motsadi yo o itlhophelang gore o batla ngwana yo o ntseng jang, seo se raya gore ngwana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go bona thuto e e maleba go sa kgathalesege gore ke wa sebopego se fe. Ba marekisetso a Sefalana le bagwebi go ralala lefatshe la Botswana ba bone go le matshwanedi gore ba thuse puso go neela bana ba ba tshelang le bogole thuto e e maleba ka go neela sekole se sebotlana sa St Peters kwa Mmadinare P70 000 go reka ditsompelo tsa thuto e ba e tlhokang. Molomaganyi wa ofisi ya ba-na-le bogole, Rre Hamilton Mogatusi a re puso ya Botswana e tswa kgakala e ntse e eme ba-na-le bogole nokeng go ralala lefatshe la Botswana ka e bone go tshwanetse gore e nne le ofisi kwa lephateng la ga Tautona. O ne a supa gore ba-na-le bogole ba na le seabe mo go tseeng ditshwetso tsa lefatshe leno mo go supang gore puso e a kgathala e bile e tlotla ditshwanelo tsa ba-na-le bogole mme se se kgonagetse ka go bopagana le kagiso e e renang mo setshabeng. Rre Mogatusi a re se se dirilweng ke marekisetso a Sefalana le bagwebi ba Botswana ke sekai sa tshwaragano le lorato lo Batswana ba nang le lone ka ga ba a leba go gweba fela mme ba thusa le merafe e e mo dikgaolong tse ba gwebang mo go tsone e bile ga se lantlha ba dira jalo. O ne a supa gore marekisetso a Sefalana le bagwebi ba Botswana ba thusitse makalana a a farologaneng jaaka Motswedi Rehabilitation Centre, SOS kwa Serowe le ‘Re ka Kgona’ mo Selebi Phikwe mo go supang boineelo le boikarabelo jwa go ema bana ba ba tshelang le dikgwetlho nokeng. O ne a supa fa puso e tshwere phage ka mangana go aga tshaba e e rutegileng go sa kgathalesege gore sebopego sa motho ke se fe mme mpho e e tlaa thusa puso mo peeletsong ya thuto e e leng nngwe ya maikaelelo a yone. Mogolwane wa tsa tlhabololo kgwebo kwa marekisetsong a Sefalana, Rre Paul Ramoloi a re se ba se dirang ke leano le le tsileng ka bone le ba ba mo kgwebong le bone ba ka thusang ka go ntsha sengwenyana kgwedi le kgwedi go thusa kwa metseng e ba gwebang mo go yone. A re se ke maikaelelo a bone a go thusa ka gotlhe mo ba ka go kgonang go nyeletsa pharologano magare ga bana ba ba tshelang le bogole le ba ba sa tsheleng le jone ka seo se ka ruta le go bopaganya bana. Mme Goitsemodimo Kgomo yo e leng modulasetilo wa The Banner Group o ne a re ga go thata go thusa mongwe ka wena fa o tshela ka seo se simologa kwa tlhaloganyong mme e bile go thusa ga se go itshupa kana go fokotsa setho sa yo mongwe. O ne a kopa Batswana botlhe go ititaa ka thuapana go supa lorato mo go ba bangwe ka go thusa ka sepe fela se ba ka se kgonang ka thuso ga e na bolekanyetso. Mogokgo wa sekole sa St Peters, Mme Sylvia Marumo o akgotse thuso e ba e filweng a re seo se tlaa fokotsa dikgwetlho tse di ba lebaneng mo sekoleng jaaka matlwana a borutelo a a sa lebanang, tlhaelo ya didirisiwa tsa thuto le sepalamo se se dirisiwang ke bana. O ne a supa gore ba na le maikaelelo a go dira ditiro dingwe jaaka thuo ya dikoko le go roka mme di padisiwa ke letlhoko la madi ka bogole jwa bana bo farologane mme ba leka go ba neela maele a botshelo a a farologaneng. A re dithuso tse di tlaa ba thusa go fenya dikgwetlho dingwe go tlhofofaletsa bana go ithuta. Mokhanselara wa Robelela/Mmadinare, Rre Sylvester Masweu o ne a leboga Modimo gore o segofaditse lefatshe le ka batho ba ba dipelo dintle ba ba sa itebeng ba le nosi. O ne a kopa batsadi go emisa go fitlha bana ba ba nang le bogole ka metlha e fetogile mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya meamuso ya lefatshe la Botswana, ka puso e supile tlhoafalo ka go tsaya ditshwanelo tsa ba-na-le bogole tsia. O ne a akgola batsadi ba bana ba ba tshelang le bogole ga mmogo le barubatana ka ga go motlhofo go godisa ngwana wa seemo seo. BOKHUTLO education 4 Lenaneo la ditogamaano le botlhokwa Go dira lenaneo la ditogamaano ke tema e e tlhokang go ipaakanyediwa, segolo jang fa go tla mo go la ditlhabololo la NDP11/DDP8/UDP4 le ka lone go lebeletsweng go supa tsamaiso ya ka fa ditiro tsa puso tsa ditlhabololo di ka dirwang ka teng. Fa a amogela baeng mo kgaolong potlana ya Palapye, modulasetilo wa khansele potlana, e bile e le mokhanselera wa kgaolwana ya Mmaphula, Rre Onnetse Ramogapi o boletse fa lefatshe leno le lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi tsa ditlhabololo, dingwe tsa tsone e le lehuma, letlhoko la ditiro, go gola ga mohama o o ikemetseng mme go sena sepe sa dikago kana go ntsha ditirelo. Rre Ramogapi a re go beilwe thata mo goreng badiraditogamaano ba tswe ka maano a a ka itebaganyang le dikgang tseo. O tsweletse a re o dumela sentle fa bokopano jo, bo tlaa tswa ka ditshwetso tse di lebaneng e bile di nitame go baakanyetsa ditogamaano tse di tlang. A re manokonoko a kwelotlase ya itsholelo lefatshe lotlhe a santse a utlwala, le fa lefatshe leno le dirile go le gontsi go itepatepanya le yone go bona gore ga e kokonele Batswana thata. O ile a re fa ba dira ditogamaano ba dire ba tsentse moko mo nameng segolo jang mo dikagong go itsa gore di baakanngwe kgapetsakgapetsa ka madi ao a ka dirisiwa mo ditlhabololong tse dingwe. O tsweletse a re go botlhokwa gore e re fela di tloga go nne le morero o o lolameng le ba dikomiti sa ditlhabololo tsa metse go tlisa tsotlhe tse di tlhokegang le gone go bona ka fa di ka abiwang tsa bo tsa tsamaisiwa ka teng gore di nne le mosola mo isagong. Rre Ramogapi a re, nako e tsile ya gore batho ba rutiwe go itirela ka jalo go tlhoka gore mongwe le mongwe a nne le seabe mo ditlhabololong tsa lefatshe. E ne e rile go le pele motshwarelela mookamela lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Masego Mooketsi go tswa mo mohameng wa tsa ditogamaano, a bolela fa maikaelelo le maikemisetso a bokopano jo e le go tla go tokafatsa tsamaiso ka maitlamo a go baakanyetsa tshimolodiso ya ditogamaano tsa setshaba, dikgaolo le ditoropo. O ile a re se setona mo bokopanong jo, ke go tla go abelana dikitso le megopolo fa gare ga lephata la dikgaolo go remeletswe thata mo lenaneong la ditlhabololo la puso. A re gape go itebagantswe le dikgang dingwe tse di tshwenyang setshaba tsa ditlhabololo tse di sa iketlang, go kgobokanngwa ga ditiro tsa ditlhabololo gole gole gongwe, are seo se ya go ba fa sebaka sa go di phuthulola le go di tsenya sentle ka tshwanelo mo lenaneong le lesha la ditogamaano. Mme Mooketsi a re bokopano jo gape bo ya go fa badiraditogamaano ba basha sebaka sa go inaakanya le dintlha tsa thulaganyo ya ditogamaano ka botlalo. BOKHUTLO politics 7 Somarelang nako - Salakae Mopalamente wa kgaolo ya Ghanzi bokone Rre Noah Salakae o gakolotse badirela puso le banni ba Khurakhura go tlotla nako ya diphuthego. Rre Salakae o buile se fa a buisa phuthego tsa Kgotla mo kgotleng ya Khurakhura le Kgaphamadi, a re se se kgoreletsa go simolola le go tswelela ga di phuthego. A re go somarela nako go botlhokwa ka go dira gore dithulaganyo tsotlhe di tsamaye ka fa go neng go rulagantswe ka teng. E rile a bua ka maikaelelo a diphuthego tsa gagwe a re ke go tla go leboga banni ba Ghanzi go bo ba bone gole botlhokwa gore ba mo tlhophe a ye go ba emela ko palamenteng, a re se se supa tshepo mo go ene e le moeteledipele. A re o ba solofetsa gore o amogetse thomo ya bone mme o tla dira tiro ya gagwe ka natla le bonokopila. Rre Salakae a re o buisa diphuthego tse e le tsela ya go tsaya megopolo le matshwenyego a bone go a isa ko palamenteng e e latelang jaaka go tlaabo go buiwa segolo jang ka kgaoganyo ya madi a setshaba. Mopalamente Rre Salakae o kopile banni go boela ko moweng wa go ipelega le go itirela mme ba fokotse go ikaega ka puso ka gore e supile fa e tlhaelelwa ke madi. O ba rotloeditse go simolodisa dikoporase ka gore di ka thusa go tlhama ditiro gape di rotloetsa tshwaragano ya morafe gape di ka thusa mo tlhabololong ya matshelo a Batswana ka gore go tla tlhabololo ya motho pele ke gone go bo go tla ya dikago. Rre Salakae a re o tshwengwa ke dipalo tse di ko godimo tsa baithuti ba ba tlogelang sekolo mo kgaolong ya Ghanzi ka mabaka a a farologaneng a akaretsa boimana, o kopile batsadi go tshwaraganela kgodiso le thuto ya bana le puso ka go nna ba etela dikolo go bona gore bana ba dira jang ko dikolong. A re puso e tsile ka lenaneo la go busetsa bana ba ba sa fetsang mo dikolong, o kopile batsadi go rotloetsa bana go dirisa tshono eo go boela mo sekolong go ya go feleletsa dithuto tsa bone le go ikoketsa dithuto. O rotloeditse batsadi go ya go tlhomamisa gore bana batsere mokento wa thibelo bolwetse jwa kankere mo baneng ba basetsana ba dingwaga tse di simololang ka borobabongwe ka gore kalafi ya kankere e a tura. Rre Salakae a re o tshwengwa ke tiriso phetelela ya nnotagi mo motseng, a re se seka tswa se bakiwa ke dipalo tse di ko godimo tsa di shebini mo motseng a re di tsweletse ka go runya gongwe le gongwe fela le mo thoko ga ditsela mme se se baya matselo a batho mo diphatseng tsa go ka thulwa ke dikoloi. A re di shebini tse gape di kgoreletsa bana go ithuta ka gantsi go nna go le modumo mo tikologong ya tsone. A re bojalwa ga bo a siamela botsogo, me gape bo kgoreletsa kagiso mo malwepeng. A re barekisi ba tswanetse go tlotla dinako tse di beilweng tsa thekiso ya bojalwa mme a rotloetsa ba ba eletsang go simolodisa dikgwebo go tla ka metlhale e sele ya dikgwebo ko ntle ga go rekisa bojalwa. E rile ba kgwa mopalamente dikgwaba banni ba khurakhura Rre Keolopile Dithatho o kopile mopalamente gore sekolo sa Ghanzi sa tiro ya diatla se tlhoka gore se tlhatlhosiwe seemo gore se akaretse dithuto ka bophara mme se kgone go tsaya bana ba kgaolo ya Gantsi ka bontsi e le tsela ya tsholetsa boleng jwa thuto mo kgaolong. A re motse wa bone o na le diphatha kana ditsha tse di bolegileng di sa dire sepe a re ditsha tse di tshwanetse go fiwa di komiti tsa di tlhabololo tsa metse gore a age mafelo a itloso bodutu e le tsela ya go ngoka bana gore ba seka ba tshamekela mo ditseleng tsa dikoloi le go ngoka banana go tswa mo mafelong a go rekisiwang nnotagi mo go one. Banni ba ne ba supa ngongorego ka diphologolo tsa naga tse diba jelang leruo, mme ba re fa ba ikuela mo go ba lephata la diphologolo ba re ba di tshose fela ba seka ba di bolaya o ne a supa fa diphologolo di felela di boa gape di tla go baka tshenyo. Ba re ba fiwe tletla ya go bolaya diphologolo tseo ka gore di tla ba feletsa leruo. Mo go tse dingwe banni ba kgotlana ya kgaphamadi ba supile fa e sale ba koporase ya Botswana Housing Cooperation tsaya lefatshe la bone la masimo go aga matlo ka ditumalo tsa gore batla atswiwa kana ba nnelwa masimo amangwe mme nako kgolo ke eno, ba re ba salela ko morago mme ba tlolwa ke mananeo a puso a temo, mme ba kopa mopalamente gore a sale kgang ya bone ko morago ka gore bangwe ba bone ba setse ba tlhokafetse. E rile ba araba mogolwane go tswa ko lephateng la diphologolo Rre Kabelo Letshope are molao o fa Batswana dithata tsa go tshosa diphologolo mme fa di tswelelela ka go ba senyetsa ba di bolae, a re sebe sa phiri ke gore Batswana ba dirisa molao o botlhatswa ka gore bolaya diphologolo tse sa senyang sepe kana go sena bosupi jwa gore di sentse eng. A re diphologolo din a le seabe se se golo mo itsholelong ya lefatshe le mme re tshwanetse go somarelwa. Mopalamente o ne a solofetsa banni fa autlwile matshwenyego a bone mme o tla a tsaya go a isa ko go ba ba maleba.BOKHUTLO society 9 Monna mongwe o tlhasetse kgosi Motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Kealetile Moremi, o batlile a bona go se gontle ka Labone fa a ne a tlhaselwa ke rre mongwe kwa ofising ya gagwe kwa kgotleng kgolo. Go ya ka mogolwane wa mapodisi a Maun, Superintendent Peter Gochela, rre yoo, yo o dingwaga tse masome a mararo le borataro wa kgotla ya Boseja kwa Maun, o tsene kwa ofising ya ga kgosi a sa letlelelwa. O ne a betsa Kgosi Moremi ka lebole mme kgosi a tlhaba mokgosi. Kgosi o ne a namolwa ke mapodisi le batho bangwe ba ba neng ba le foo. Superintendent Gochela a re ba santse ba tshegeditse rre yo, mme e tlaa re morago a isiwe fa pele ga lekgotla go lebisiwa molato wa titeo e potlana. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Molelo o supa maikaelelo a setshaba Molelo wa kgolagano ke sekao sa lengwe la matshego a tebelopele ya 2016 la setshaba se se bopaganyeng. Molelo o o tsamaya motse le motsana, o amogelwa ke magosi le bagogi botlhe fela ba ba maleba. Ka Matlhatso molelo o ne o le kwa Xere mo kgaolong-potlana ya Boteti. Fa a balela setshaba molaetsa wa ga Tautona, mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Boteti, Rre Thabo Baitseng, o ne a re molelo o supa bokao jwa maitlamo a go tsweledisa go tuka ga maikaelelo a setshaba go tswelela e nna e e rutegileng, e e tsweletseng, e e kutlwelobotlhoko, e babalesegile e bile e tshwaragane. Monana wa Xere, Rre Israel Sekausu o ne a e a leboga bagolo ba ba thaileng lefatshe le. Rre Sekausu o supile fa kagiso le thokgamo di rena mo lefatsheng leno, go sena dintwa tsa dipolotiki e bile puso e le ya batho ka batho. Monana yo o ne a akgola mananeo otlhe a puso a re a fetola matshelo, ga a lope madi ape e bile a tlhabolola batho ba ba a tsayang tsia. Rre Sekausu o ne a kgala thata tiriso ya ditagi le go nowa ga bojalwa phetelela ke banana a re go fokotsa matshelo a bone le go ba tlhokisa boikarabelo le isago e e tlhamaletseng. O ne a wetsa ka go gakolola banana ka ene go tsaya mananeo a puso go fetola matshelo a bone le go itsa go tsena mo mebileng ka ntlha ya letlhoko la ditiro. O ne a re go nna kwa lefelong le ditlamelo di sa lekaneng go seka ga ba kgoba marapo go fitlhelela ditoro tsa bone, a ba gakolola fa go ipereka go na le maungo a a monate thata. Molelo wa kgolagano o ne gape wa isiwa kwa sekoleng sa Xere kwa mogoko, Mme Boikanelo Makosha a neng a o neelwa ke Kgosi Moipolai mme morago a o neela moithuti wa lekwalo la borataro; Kemofitlhetse Moitlhaopi yo o neng a amogela molelo mo boemong jwa baithuti botlhe. Mokhanselara wa Xere, Rre Aaron Engleton o ne a lebogela popagano e e tsisitsweng ke molelo wa kgolagano, a nankola banni ba metse ya Khumaga, Motlopi le Makalamabedi ba ba neng ba tsile go amogela molelo le Xere. Rre Engleton o supile fa molelo o o tla ka kgwetlho ya gore a mme popagano ke ya letsatsi le lengwe fela kana e tlaa tswelela,mme a kopa botlhe go bopagana le fa molelo wa kgolagano o setse o fetile. Mokhanselara o ne gape a itumelela maitsholo a banni ba Xere,a re ba setse melawana yotlhe e e neng e beetswe go obamelwa ka nako ya kamogelo ya molelo wa kgolagano. BOKHUTLO society 9 Morupisi o kopa badiredi go emela ESP ka dinao Badirelapuso kwa Tonota ba gakolotswe ka seabe sa bone mo go diragetseng lenaneo la go rudisa itsholelo la Economic Stimulus Programme (ESP). Mokwaledi mogolo wa ga Tautona, Rre Carter Morupisi o ntshitse kgakololo eo mo phuthegong ya gagwe le badirelapuso. O tlhalositse fa lenaneo leo le tshwanetse go diragadiwa ka kelotlhoko le botswerere gore e re kwa bofelong itsholelo ya lefatshe leno e bo e tokafetse. A re go na le makalana a a ka thusang go tsosolosa itsholelo jaaka la temo-thuo le la bojanala. Rre Morupisi o kopile badirelapuso go ela tlhoko boleng jwa dithoto tse ba di rekang, ga mmogo le ditlhwatlhwa gore a ke tse di lebaneng. A re taelo ya puso ka lenaneo leo ke go reka dithoto tse di dirilweng mo gae, a tlatsa ka go re seo se tlaa dira gore dikgwebo di gole di nne le sebaka sa go tlhamela Batswana ba bangwe ditiro. Rre Morupisi o rotloeditse gore go dirisiwe dikhamphani tsa mo gae. O ba gakolotse go ntsha ditirelo ka nako le gone go akofela go thusa baji-bareki go itsa madiadia a a ka bakang tshenyetso setshaba. Kgosi Ramosinyi Radipitse wa Tonota ene o lebogetse ditlhabololo tse di tsisiwang ke puso. Le fa go ntse jalo, o ne a lela ka letlhoko le le apesitseng kokelo ga mmogo le bonya jwa maranyane a a dirisiwang mo go tsa madi tsa puso (GABS), a re ke yone e diang dilo ka bontsinyana mo kgaolong. O kopile Rre Morupisi go thusa, bogolo jang ka yone GABS gore dilo di tle di fefoge. Rre Morupisi o tlhalositse fa kgaolo ya Tonota e le yone e di gogang kwa pele ka bokete mo lenaneong la go tsosolosa itsholelo, a tlatsa ka go re go boammaaruri kgang ya GABS e tshwenya dikgaolo ka bontsi, mme o tlaa e sala morago. BOKHUTLO politics 7 Moupanaga o tshepile dijo tsa setso E re ka phokoje go tshela yo o dithetsenyana ebile mokoduwe go thusiwa o o itekang, Batswana bangwe ba tsweletse ka go ikemela ka dinao. Mme Itumeleng Moupanaga, yo o tlholegang kwa Thamaga ke mongwe wa ba ba inaakantseng le kgwebo ntle le thuso epe go tswa mo pusong. Mme Moupanaga, yo o dingwaga tse di masome a mane le borobabongwe, o boletse mo potsolotsong fa a ne a tsena mo kgwebong ya go apaya dijo tsa Setswana go itshetsa le ba lelwapa la gagwe. A re o apaya dijo tsa setso ebong; bogobe jwa lerotse, koko ya Setswana, morogo wa Setswana le tse dingwe. “Nna ga ke a tsena sekole ke feletse ka lekwalo la bosupa, mme ka ke ne ke le motho yo o ratang kgwebo ka bona go le botoka go apaya dijo tsa setso ka e bile go se motlhofo go bona tiro,” ga bua Mme Moupanaga. Mme Moupanaga a re botsipa jwa go apaya o bo ithutile nako e a neng a apaya dijo kwa maemelong a dibese kwa Gaborone dingwaga tse di masome mabedi le bobedi tse di fetileng pele ga a tlogela. A re e ne ya re ka 2012, a tsaya tshwetso ya go ipulela kgwebo ya go apaya go bapa le tsela ya Thamaga/Moshupa gaufinyana fela le motsana wa Goo-Kodisa; selo se a tlhalosang fa se dirile gore a nne le theko e e botoka. A re kwa tshimologong kgwebo e ne e le boutsana ka bontsi jwa batho ba ne ba sa itse sepe ka yone. O tswelela a bua gore go apaya jaana ga se tiro e e motlhofo ka jaana go le thata go bona dikgong. Mo nakong e, Mme Moupanaga o thapile kgaitsadie go mo thusa ka tiro ya go apaya e le ntsi fela thata. A re o eletsa go bona kgwebo ya gagwe e gola e bile e na le setsha se se ka fa molaong. Mme Moupanaga a re o rotloetsa Batswana gore ba seka ba ipaya fela mo go thusiweng ke puso mme ba tsee boikarabelo jwa go ikemela ka nosi ba bule dikgwebo le go nna pelo telele mo maitekong a bone. education 4 Le aramele le sa tlhabile - Batlhophi Modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng, Rre Thomas Batlhophi, o gwetlhile botlhe ba ba thusitsweng ka mananeo a puso go somarela dithuso tsa bone le go ititaya sehuba mo go phadisanyeng le bagwebi ba bangwe go sa kgathalesege gore ba kopana le dikgwetlho dife. A re puso e dirile go le gontsi go leka go nyeletsa lehuma mo lefatsheng leno ka mananeo a tshwana le LIMID, ISPAAD le a banana a Youth Development Fund mme jaanong go saletse Batswana go ikemela ka dinao ka go tlhokomela tse ba di abetsweng gore di ba solegele molemo. Rre Batlhophi o buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa Takatokwane, Rre Ngaka Ngaka kwa Khekhenye bosheng. A re mowa wa boipelego o Batswana ba tswang kgakala ba itsege ka one o botlhokwa thata mo go nyeletseng lehuma ka ngwaga wa 2016 le go feta, mme ka jalo a ba gwetlha go itirela ka diatla tsa bone go na le go ikaega ka puso. O gakolotse botlhe ba ba setseng ba thusitswe ka mananeo a puso go sa kgobiwa marapo ke dikgwetlho tse ba kopanang le tsone tse di paledisang mananeo a bone go gola, mme a ba gwetlha go nna le mowa wa bopelotelele, boitshoko le boineelo le go tswelela ba tswa ka maano a a ka fedisang dikgwetlho tseo. O kgothaditse ba ba santseng ba saletse morago mo go ikopeleng mananeo a puso go itlhabolola go tlhaloganya fa mokodue go tsosiwa o o itekang, mme a ba kaela fa puso e dirile gotlhe mo e ka go kgonang go leka go ba tlhabolola mme jaanong go le mo maruding a bone go bona gore ba dirisa monyetla o wa mahala. E ne e rile go le pele, banni bao ba supa fa ba lebogela dithuso tsa puso ka di fetotse matshelo a ba le bantsi ntswa go na le dikgwetlho dingwe tse di ba paledisang go akola mananeo ka thelelo. Ba boletse fa lenaneo la Ipelegeng le gatetse pele ka ba kgonne go itirela ditlhabololo. BOKHUTLO society 9 Mowa boipelego konokono Mowa wa boipelegolego, go dira ka natla ntle le go neela tshwene marapo le go sa lebelela fela mo pusong fa go ka tseelwa kwa godimo go ka isa Batswana pele le go ba namola mo lehumeng la nta ya tlhogo. Se se supilwe ke katlego ya ga Rre Lucus Ditsele,molemi wa merogo mo kgotleng ya Tlhomaditlhotse kwa Mahalapye. Rre Lucas Ditsele yo o dingwaga tse di masome a marataro le borataro, ebile a itsege thata ka lena la Rra Mompoloki o sala a simolola temo ya nosetso ya merogo ka ngwaga wa 1988. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Ditsele o tlhalositse fa nako ya a simolola temo ya merogo, balemi ba merogo ba ne ba se ba ntsi mme se ya bo e le sebaka sa go ka simolola kgwebo ya motlhale o, mme e bile e le kgwetlho ka Batswana ba ne ba sa tlotla go ja le go reka merogo ya sekgowa. O kaile fa a gwetlhilwe go simolodisa kgwebo ya mofuta o ke boitsaanape jo ene le mohumagadi wa gagwe ban eng ba tla ka jone fa ba ne ba tswa go direla mo dipolasing kwa Aforika borwa ka nako eo. A re ba na ba simolola ka temo ya dikhabeche le ditamati, ba direla gautshwane le noka ya Mahalapye gore ba kgone go dirisa metsi a a neng a ela mo nokeng go nosetsa ka one. “Ka nako eo re ne re lema merogo ya rona re rekisetsa batswakwa ka e ne e le bone b aba neng ba kgatlhegela merogo thata, mme e bile ka nako eo re ne re rekisa ngata ya morogo ka botlhano, mm era tswelela fela jalo ka bopelotelele,”. Rre Ditsele are selo se se neng se ba tiisa moko le go feta ke go bob a ne bas a dire gope mme ban a le bana ba ban eng ba tshwanelwa ke go ba godisa, a tlatsa ka go tlhalosa fa mo nakong eo ba ne ba wela mo setlhopheng sa batlhoki mme ba seka ba letelela lehuma go ka ba hekeetsa ntswa ba na le mabogo a go itirela. Are ka bane ba sena madi a go simolola kgwebo e, ba ne ba simolola ka go dira ditiro tsa nakwana tse din eng di akaretsa go tlhagola mo malwapeng mme ere bonyenyane job a bo tshwarang bar eke peo ya merogo ka mefuta ya yone. O tsweletse ka go tlhalosa fa tiro ya temo e le tiro e e tlhokang motho yo o tlhaga gore e kgone go ntsha maduo , mme ka ene le mosadi wa gagwe ba tswa kgakala ba dira ka diatla a e ise e ba tsenye dingalo. Rre Ditsele o tlhalositse fa kgwebo ya gagwe ene ya gola ya atlologa fa dingwaga di ntse di tswelela, a tlolela kwa moseja ga noka go thoma tshingwana teng kwa le gompieko a direlang teng. Are o kgonne go godisa bana ba gagwe botlhe ka madi a a neng a a dira mo thekisong ya merogo ka jalo gagona ope ngwana wa gagwe yo o thusitsweng ke goromente ere lentswa a ne a le motlhoki ka a ne a itlhophela go ikapola lehuma ka go ikemela ka dinao. Are lentswa go le jalo ka nako ya ba simolola temo ba ne bas a boloke madi, ka banka ya bone e ne e le molomo wa bana ba bone ka jalo ba ne ba berekela go jesa bana le go itlamela. O kaile fa se se le pharologanyo mo bogompiekong ka theko e ile kwa godimo le Batswana ba tlotlile go ja merogo fa go tshwantshanngwa le pele, ka jalo a kgona go itshesa le go bolokela isago. Rre Ditsele are kgwetlho e tona e e ba lebaneng mo kgwebong ya bone ke gore ba ikaegile ka noka ya Mahalapye go ba fa metsi a nosetso ka jalo fa noka e kgala, temo le yone e a kgaupetsega. O kaile fa letlhoko la koloi e e ka ba isetsang morogo kwa mmarakeng le lone e le kgwetlho a tlatsa ka go tlhalosa fa mo bogompienong ba rekisa thobo ya bone mo banning ba Tlhomadithotse , ba ba tlang kwa tshimong gotla go reka, gammogo le bomme ba ba rekisang merogo kwa mmolong ba ba rekang ka dipalo ebile ka seelo se se kwa godimo ka le bone ba rekela thekiso. O tlhalositse fa maikaelele a gagwe ele gore mo isagong fa madi a ne a le teng a atlolose kgwebo a oketse babereki. Are keletso ya gagwe ke gore ekete e kare goromente a ntse a dira mananeo a gopole le bao ba ba nang le mowa wa boipelego ka bas a bolo go wa ba tsoga le dikgwebo tsa bone , ka jalo are fa ba ne ba ka bona thotoetso ba ne ba ka direla lefatshe leno gole gontsi. economy_business_and_finance 3 Mogare o bifela pele-Sisila Mogolwane mo lekalaneng la botsogo la kgaolo, Mme Dineo Sisila a re motse wa Dukwi le e e mo tikologong ya yone go balelwa le Mosetse ke mengwe ya e e nang le dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba amilweng ke mogare le bolwetse jwa HIV/AIDS mo kgaolong potlana ya Tutume. Mme Sisila o buile jalo ka letsatsi la segopotso sa bolwetse jwa HIVAIDS, a tlhalosa fa kgaolo potlana ya Tutume e na le batho ba le 36 750 ba ba tshelang le mogare mme mo go bone ba le 15 959 ba le mo diritibatsing fa ba le 20 791 go lebeletswe seemo sa bone mme bontsi ele bagolo. O tsweletse a re bomme ba ba mo kalafing ba masome a marataro le borataro mo lekgolong fa borre bone ba le masome a mararo le boraro mme a re seo se supa fa borre ba le maoto a tshupa go itlhatlhoba. Mme Sisila o boletse fa lenaneo la thibelo mogare go tswa mo go mmangwana go ya leseeng (PMTCT) le supa maduo a kanamo ya mogare go ya leseeng e fokotsegile fela thata. O boletse gore fa lenaneo leo le ka rotloediwa moono wa go fedisa mogare gotlhelele o ka fitlhelelwa. A re lefa maiteko a go nyeletsa kanamo ya mogare a dirwa, go santse go na le dikgwetlho tsa go tlhoka go itlhatlhoba ga borre, batho ba ba sa saleng ditaelo tsa bongaka morago le ba ba tlogelang go tsaya diritibatsi fa ba setse ba le botoka. A re tseo ke dingwe tsa dikgoreletsi tse ba kopanang le tsone mo kgaolong. O tsweletse a re ntlha e nngwe e e tshwenyang thata ke boimana jwa kgapetsa-kgapetsa jwa ba ba mo diritibatsing, a re seo se supa fa go na le kgonagalo ya go anamisa mogare ka seo se supa fa batho ba sa dirise tsa itshireletso. A re maikaelelo a go nna setshaba se se senang mogare a ka atlega fa rotlhe re ka tshwaraganela ntwa kgatlhanong le mogare wa HIV. E rile a amogela baeng, kgosi ya Mosetse, Rre Opelo Ntshwarelang a supa fa bojalwa bo ile magoletsa mo motseng wa gagwe ka jalo a re ga go thona go bo mogare o kekela ka batho ba nwa bojalwa phetelela. O gateletse gore bojalwa le diritibatsi ga di tsamaelane ka jalo a kopa badiri ba botsogo le setshaba ka kakaretso go tshwaragana mo go lwantsheng tiriso botlhatswa ya nnotagi. BOKHUTLO health 6 Balemi ba akgola puso Batsena thuto-puisanyo kwa sekoleng sa temo sa Farmers Field School ba lebogetse puso mananeo a yone a go ba thusa go ntsha dijo. E rile fa ba bua mo thuto-puisanyong kwa masimong a Metlhabeng gaufi le Gakutlo bosheng, batsena dithuto tseo ba e leng balemi ba kgaolo ba ne nankola lenaneo le tshwana la ISPAAD, mme mo godimo ga moo ba supa fa ba lebogela dithuto tse ba di fiwang ke puso go tlhabolola temo. Ba supile fa dithuto tseo di akaretsa go baakanya mmu pele ga temo, go lemoga dipeo tse di siametseng mmu, tsela ya go lwantsha diji le mhero le tse dingwe. Ba re go tsena sekole se go ba thusa le gone go tshwaragana ba amogana dikitso, selo se ba reng se ba thusa go ntsha thobo e ntsi. Ba ne gape ba lebogela bopelotelele le matsetseleko a molemisi wa kgaolo, mme ba re se se ba gwetlha gore ba bereke ka natla go itsa go mo swabisa. E rile a tswa la gagwe, molemisi yoo, Mme Gabaoitse Tiroyaone a supa fa lenaneo la go rutuntsha balemi e le mothale o mosha wa lephata la temo o le kopileng kwa mafatsheng a mangwe e le tsela ya go fefosa ditirelo tsa bolemisi le go tlhabolola temo. A re bagolo ke batho ba ba batlang go rutwa ba lebeletse e bile ba tshwara ka mabogo. A re o simolotse go amogana dithuto le balemi bao ka kgwedi ya Seetebosigo ngwaga o o fetileng. Mme Tiroyaone a re mo baleming ba gagwe go na le ba ba thusitsweng ka mananeo a mangwe a puso a tshwana le a Nyeletso Lehuma le LIMID mme a re dithuto tse di ba thusa thata mo e bileng ba kgona go ntsha thobo e e oketsang dipoelo. O kaile fa ba itshwaragantse le balemi ba dikgaolo tse dingwe jaaka Mmathethe le Ramogomana e le tsela ya go arogana botsipa, mme a kopa borre le banana go ititaya ka thupana go tsenelela mokgatlho oo. BOKHUTLO education 4 Lwantshang tshenyetso setshaba - Nyathi Badiri ba lephata la temo-thuo ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba gwetlhilwe go dira ka natla go tlhomamisa gore tshenyetso setshaba e a nyelela. Mo puong ya gagwe kwa tirong ya go ribolola bukana ya lephata leo ya maitlamo a go lwantsha tshenyetso setshaba, mogolwane kwa lephateng leo, Mme Mmadima Nyathi o gateletse botlhokwa jwa gore modirelapuso mongwe le mongwe a ikitee ka thupana go thibela tshenyetso setshaba. Mme Nyathi, yo e leng motshwarelela mothusa mokwaledi mo go tsa botegeniki, o supile fa maikaelelo le maitlamo a lephata la temo-thuo e le go aga bodiredi jo bo senang kamano epe le tshenyetso setshaba. O tlhalositse fa lephata le itomile molomo wa tlase go tlhomamisa gore bodiredi jotlhe jwa lone bo nna jo bo sa beeng sebete ditiro dipe tsa tshenyetso setshaba. A re seno ba tla a se kgona magareng ga tse dingwe ka go ruta le go tsibosa badiri ba bone ka borai jwa tshenyetso setshaba ga mmogo le go kaba dikgoro tsotlhe tse tshenyetso setshaba e ka tsenang ka tsone mo bodireding jwa bone. Mme Nyathi a re gape lephata le ikemiseditse go rotloetsa le go nonotsha go tlotlwa ga melawana le ditsamaiso tsa go ntshiwa ga ditirelo. O supile gape fa ba ya go dira ka natla go aga botsalano jo bo nonneng le ba-na-le- seabe ba ba farologaneng, se e le tsela nngwe ya go nolofatsa maiteko a bone a go fenya ntwa kgatlhanong le go jwelelela ga tshenyetso setshaba mo bodireding. Mme Nyathi o gateletse gape botlhokwa jwa go sireletsa batho ba ba ba lomang tsebe ka dikgang tsa tshenyetso setshaba, selo se a boletseng fa ba tla se dira ka tlhoafalo gore setshaba se seka sa nna maoto a tshupa go ba sebetsa fa go nale dipelaelo tsa gore dilo di ka tswa di dirwa ka tshokamo. Go sale foo, Mme Nyathi o akgoletse magareng ga ba bangwe, ba lekalana la twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo, ba sepodisi sa Botswana le ofisi ya mosireletsi wa setshaba seabe sa bone mo go thuseng lefatshe leno go fenya ntwa kgatlhanong le tshenyetso setshaba. Mogokaganya ditiro tsa lephata la temo-thuo wa kgaolo ya Bokone Botlhaba Rre Alfred Mashungwa ene, o supile fa tshenyetso setshaba e le borai thata mo matshelong a batho ka jalo go le botlhokwa gore e thibelwe. Rre Mashungwa o kaile fa go le thata go epolola tshenyetso setshaba fa e setse e itshetletse Fa a ema kokoano e e neng e tsene tiro eo ka lefoko, modiri wa lekalana lwa twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo Rre Mmoloki Mothuti o boletse fa go le botlhokwa gore modiri mongwe le mongwe a tlhomamise fa a na le seabe se se bonalang mo ntweng kgatlhanong le tshenyetso setshaba. O gwetlhile lephata la temo-thuo go seke le ipona tsapa mo go lwantsheng tshenyetso setshaba, a tlhalosa fa maiteko ape a a dirwang a thusa go menagane maitlamo a puso a go nyeletsa mmaba o. Rre Mothuti o akgotse lephata leo go bo le kwadile bukana e e tla a ba kaelang mo maitekong a bone a go nyeletsa tshenyetso setshaba, a ba a tlhomamisa fa lekalana la bone le tla a dira ka natla go bona gore maiteko a bone a a atlega. E ne e rile go le pele, a amogela batsena-tiro eo, Kgosi ya motse wa Zwenshambe Rre Moses Mabutho, a bolela fa tshenyetso setshaba e kgona go diga itsholelo le gone tota go tlhofofatsa boleng jwa setshaba. Ka jalo, o gwetlhile botlhe go ema ka dinao go thusa puso go fenya ntwa e e boloditsweng kgatlhanong le bosula jo. A re e tshwanetse ya nna boikarabelo jwa mongwe le mongwe go dibela seriti sa tshaba ya lefatshe leno, a tlhalosa fa go dira jalo e le yone tsela e e tlhomameng ya go sireletsa boleng le gone tota go godisa itsholelo ya lefatshe la Botswana.Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Mabeleapudi o lopa therisano Banni ba Mabeleapudi kwa kgaolong ya Serowe Bokone ba kopile mopalamente wa bone, Rre Baratiwa Mathoothe go rera le bone ka nako tsotlhe. Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla bosheng. Ba re ba solofetse go le go ntse thata mo go ene ka ebile a le monana. Ba boletse fa dikgwetlho tsa bone di tlhoka therisano ya mopalamente le morafe. Kgosi Sebonego Tebelelo o boletse fa go sena mapodisi mo kgotleng ya gagwe, selo se se dirang gore ditsheko di eme fela. A re borukutlhi le jone bo ile magoletsa, ke sone se ba kopang mapodisi a special constable. O boletse gape fa batho bangwe ba rekisa majalwa a a seng ka fa molaong, e bile ba rekisa ka nako tse di sa letlelelwang. O boletse fa banana ba a nwa bojalwa phetelela mo ba felelang ba tlhoka botho. Kgosi Tebelelo a re dikgosi ga di a sireletsega ka gore ka nako ya ipapaletso ditlhopho ba tshosediwa matshelo ke batho.. Maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse one a boletse fa a lebogela matlo a dikamore tse pedi, mme ga a ise a lekane. Komiti e boletse fa sekolo se segolwane sa Patikwane se le mosuke e bile matlwana a borobalo a le makgasa. Banni le bone ba ne ba ngongorega ka go tlhoka go dira sentle ga bana ba sekole seo, ba bolela fa ba feitse fela thata. Ba re jaanong ke mokgoleo go nna le bone kwa malwapeng, ka gore sekole sa tiro ya diatla le sone se fokoditse palo ya go ba tsaya. Ba boletse fa ba tlhaelelwa ke baoki ebile kokelwana ya bone e sa tlhole e dira bosigo le motshegare. Le fa go ntse jalo, ramapodise a Serowe le metse e emo tikologong, Superintendent Poloko Oteng o boleletse phuthego gore le fa mapodise a tlhaela, ba ba neng ba akantse go ba isa kwa Mabeleapudi, ba na le mathata a letlhoko la boroko. O kaile gape fa ba tshwenngwa ke borukutlhi jwa dipolaano le go itseela dikobo ka dikgoka. A re se se ngomolang pelo ke gore ba thubetsa le bananyana ba ba ko tlase ga dingwaga tse nne. O kopile banni tshwaraganela go lwantsha borukutlhi, ka bogolo jang bo diragala mo matlhong a bone. crime_law_and_justice 1 Thapong e rutuntsha bataki kwa Tsabong Bataki kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba kgothaditswe go itsolopanya le go dira ka botswerere gore ba tle ba kgatlhe leitlho la bareki le batlhatlhobi ka dinako tsa dikgaisano. Morutuntshi wa bataki kwa Thapong Visual Arts Centre , Rre Ofemile Montsiemang, o ntshitse kgothatso kwa thuto puisanong ya malatsi a mabedi kwa Tsabong. A re maikaelelo magolo a dithuto tseo, e ne e le go ipaakanyetsa dikgaisano tsa malatsi a ga tautona. Rre Montsiemang o ne a tlhalosetsa ba tsena dithuto- puisano tse fa ba tshwantse go seka seka pele tiro ya botaki le ditiro tsa diatla go tlhomamisa gore e kgatlha leitlho la bakanoki. O ne a supa fa ba tshwanetse go nna sekao mo ditirong tsa bone, ka go di dira ka lerato ba tsentse marapo dinameng, ba sa ipatike le go patelediwa go e dira gore kwa bofelong ba nne le maduo a a itumedisang. A re le ntswa bangwe ba ithutile mo batsading ba bone, ba tshwanetse go dira ka bonatla le botswerere mme ba dire pharologanyo ka go itepatepanya le seemo sa gompieno ka kgwebo e le yone e ba ka itshetsang ka yone le go tokofatsa matshelo. A re ditiro tsa bone tsa botaki di tshwanetse go kgatlha le go gapa maikutlo, le gone go nna le molaetsa o o nonneng. Rre Montsiemang o ne a tlhalosa ka fa ba dirang ka teng go oka bataki le ba ditiro tsa diatla, a supa fa ba golagane le lekgotla la BTC Foundation lebaka la dingwaga tse tharo ka P1.7 million, e le tsela nngwe ya go godisa botaki mo lefatsheng leno. A re ba setse ba rutuntshitse bataki ba ka nna lekgolo le masome a matlhano kwa Gaborone, Francistown, Maun le Tsabong ka go ba tlhatlhelela ka dikitso tse di maleba gore ba kgone go phadisana le bataki ba dikgaolo tse dingwe le mafatshe a a kwa ntle. Rre Montsiemang o ba kgothaditse go itirela mokwalo oo supang gore ke bo mang, tiro tsa bone ke eng, ka seo se ka ba thusa go ithekisa motlhofo. Mme Ellis Batambuze ene o ne a tlhalosa fa Thapong e tlhamilwe ka ngwaga wa 1989, go tlhabolola Batswana mo dikitsong tsa botaki le ditiro tse dingwe tsa diatla. A re gape o thusa bataki ba ditiro tse di farologanyeng ka lefelo le ba ka kgonang go bapatsa dilwana tsa bone mo go lone, le le hirisiwang ka go duelwa P300 ka kgwedi le leobo le lone ba ipapatsang mo go lone mahala, mme ba lefisiwa dikatso tse di masome mabedi mo lekgolong e le bontlha bongwe jwa madi a thekiso ya dilwana tsa bone. Mme Batambuze o tlhalositse fa batho ba lopiwa P150 gore ba nne maloko a Thapong, a re seo se ka ba fa sebaka sa taletso ya go tsena dikgaisano tse di tshwarwang ke mokgatlho o. Modiri go tswa kwa lephateng la banana le ngwao, Rre Okgotleng Segadimo fo ne a rotloetsa batsena dithuto puisano go tsaya dithuto tseo ka tlhwaafalo ka di ka tlhabolola ditalente tsa bone le go godisa ditiro tsa bone tsa diatla go tswelela ba itshetsa le mo isagong. arts_culture_entertainment_and_media 0 Baoki ba Maubelo ba rutuntsha setshaba Badiri ba kokelo ya Maubelo ba ne ba tshwara thuto-puisanyo le morafe wa motse oo mabapi le dikgang tsa botsogo bosheng. Mooki go tswa kwa kokelong eo, Mme Kefeletswe Lorekang o tlhaloseditse BOPA gore e ne ya re morago ga gore ba kokoanye madi a a ka tshwarang dikete tse thataro ba tsaya tshwetso ya go phutha setshaba ba se ruta ka dikgang tsa botsogo ga mmogo le malwetse a tlhakanelo dikobo. O tlhalositse gore ba gwetlhilwe ke go lemoga fa setshaba se sa dirise tsa itshireletso tse di fitlhelwang kwa kokelong eo, mme seo se beye matshelo a bone mo kotsing. Mme Lorekang o tlhalositse gore se se lemotshega ka jaana balwetse ba nna ba boela gantsi kwa bookelong ka ngongora e le nngwe fela. A re ke ka moo ba neng ba tsaya tshwetso ya gore ba bitse bogogi jwa motse le ba ba nang le seabe mo setshabeng gore ba kopanele kgang eo. Mooki o tlhalositse gore gareng ga dikgang tse ba neng ba rutuntsha setshaba ka tsone, ke tsa kankere ya molomo wa popelo, malwetsi a tlhakanelo dikobo le go kgaola letlalo la bonna. A re e re le ntswa ba nna ba ntsha dikgakololo fa batho ba tsile go itlhatlhoba, ba tshwenngwa ke gore ba nna fela ba tlamela balwetse ba le bangwe fela. Mme Lorekang a re ba dumela gore bogogi jwa motse bo tlaa ba thusa go gasa molaetsa wa go itlhokomela. Mookamedi wa dikokelwana tsa Tsabong le metse e e mabapi, Mme Kgalalelo Tauetsile a re ba lemogile gore sebe sa phiri ke gore batho ga ba a ikaelela go fetola boitshwaro jwa bone mabapi le tsa tlhakanelo dikobo. A re se se ngomola pelo ka jaana ba na le kitso e e tletseng ya thibelo ya malwetse a tlhakanelo dikobo, mme go lebega ba sa batle go fetola boitshwaro jwa bone, fa ba bangwe ba tlhalosa fa ba tlhabiwa ke ditlhong go tsamaya le bakapelo kwa bookelong. Mme Tauetsile a re mabaka a mangwe a ba kopanang le one ke gore bangwe ba supa fa ba na le bakapelo ba le bantsi. A re ke ka moo malwetse a felelang a ipoeletsa. O supile fa ba itumeletse dipalo tsa morafe tse di neng di tsene dithuto tseo, mme a tlhalosa gore ba itlamile go isa ditirelo tsa bone kwa metseng e e kwa ntle ga Tsabong. A re se se maleba ka jaana ba tshwentswe ke dipalo tse di itlhatlhobelang mogare le gone go dirisa ditirelo tse dingwe tsa dikokelo le ntswa di le teng mo dikokelong tsotlhe. BOKHUTLO health 6 Kgalemang Motsete o tlogetse motlhala Rre Kgalemang Motsete ke mongwe wa bagaka ba pele ba ba diretseng lefatshe le ka bonokopila le botswerere. Fela jaaka pina e a neng a e tlhama morago ga gore lefatshe le, le tsee boipuso ka ngwaga wa 1966, Rre Motsete o ne a tlogela motlhala o banni ba Mulambakwena ba tla se kitlang ba o lebala, se a se ba diretseng ka dingwaga tsa bo 1920 e tla nna segakolodi sa sennela ruri mo matshelong a bone. Bontsi bo gakologelwa Rre Motsete ka pina ya setshaba mme mo bagoding ba kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Motsete ga a tlogela pina fela, one a ba agela sekolo go ithutuntsha go bala le go kwala se mo nakong ya gompieno se tla fetogang lefelo la ditso. Sekolo seo se se neng se bidiwa Kgalemang Motsete College ka go tlhoka lesego se ne sa phutlhama gareng ga dingwaga tsa 1935 le 1936 morago ga go hulara ga ga Rre Motsete go boela kwa gaabo kwa ga Mmangwato. Fela jaaka mafoko a pina ya gagwe, Rre Motsete o ne a bona gore boswa jwa borraeno e leng lefatshe le emelwe ka dinao go direla bagaabo. Morago ga go hulara ga ga Rre Motsete, sekolo seo se ne sa tlhoka motsamaise mme sa palelwa ke go itshetlela. Mo potsolotsong ka Labobedi, go latedisa motlhala wa lefelo leo le e tla reng mo nakong ee sa fediseng pelo ya nna seikokotlelo sa ditso tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba , mongwe wa bagodi ba ba kileng ba tsaya karolo mo metshamekong ee neng ya tshegetswa kwa sekolong seo, Rre Jimmy Laba yoo tshotsweng ka ngwaga wa 1928 o tlhalositse fa lentswa a ne a tsena kwa sekolong se sebotana sa Masunga , ba ne ba tshwarela dikgaisano tsa bone e ka tswa ene ele tsa dibolo, mabelo kgotsa dipe fela dikgaisano kwa sekolong seo. Rre Laba o tlhalositse gape fa dithuto tse di neng di dirwa kwa sekolong seo di ne di akaretsa bagodi botlhe go sa kgatlhalesege gore o na le dingwaga di le kafe, mongwe le mongwe yoo neng a na le keletso ya go ithuta go bala le go kwala o ne a rebolwa go ka iteka lesego ka e bile gape se ne se sena gore o ema ka lokwalo lefe. Rre laba a re ka nako ya bone ba ne ba rutwa ka teme ya sekgoa, sekalaka ga mmogo le dipalo mme dibuka tse ba neng ba di dirisa thata e ne ele dibaebele go ba ruta tsela ya boitshwaro jo bo lolameng, buka ya maswiswinagonde ee neng e bidiwa ka leina le nonyane le ya chepeletana cha bana. Go latedisa ditso tsa sekolo seo, se ne se le kwa motseng wa Mulambakwena kwa kgotlaneng ya ga Nyewele fa gare ga noka ya Tati le molapo wa Chegowu lentswa mo nakong ya gompieno go na le dikgogakgogano tsa gore tota sekolo seo se wela fa kae , magareng ga motse wa Mosojane le wa Mulambakwena. E rile a tswa la gagwe Rre Gumbu Palalani yo ene a tshotsweng ka ngwaga wa 1936 a re o eletsa gore lefelo leo le somarelwe go nna lefelo la ditso go tshegetsa lorato le Rre Motsete a le fileng batsadi ba bone. Rre Palalani a re o eletsa gore go nne le tirisanyo mmogo magareng ga motse wa Mulambakwena le wa Mosojane ka gore lefelo leo le tla sologela molemo morafe otlhe oo mo kgaolong ya bokone botlhaba ka sekolo seo se ne se dirisiwa ke bagolo botlhe go tswa mo metseng ee farologanyeng mo kgaolong e. Sekolo se, e ne ele tsela nngwe ya go tlhabolola matshelo a banni ba kgaolo ya bokone botlhaba. Rre Palalani o tlhalositse fa bontsi jwa baithuti ba sekolo seo ba ile maotwana hunyela fela botlhe , mme o dumela gore golo ba go robetseng ba itumelela dithuto tse ba di amuleng mo sekolong se. E ne e le sone sekolo fela se segolwane mo kgaolong e. O tsweletse ka gore didirisiwa tse ba neng ba di dirisa ka nako eo go ithuta go kwala di buselediwe go tshegetsa ditso. A re go ya ka ditlhotlhomiso tse a di utlwileng ka tsala ya gagwe yo e neng ele mongwe wa barutabana mo sekolong seo, a felela ele mopalamente wa ntlha wa kgaolo ya Maun/ Chobe Rre R.D Monwela, a re ba ne ba dirisa mo ka nako eo go neng go bidiwa “slate” go kwalela mo go sone fela jaaka buka. A re slate se ne se ageletswe ka dikgonyana fa gare e le galase fela jaaka ya sesha ee dirisiwang ele bodilo jwa matlo mme e bile go ne go na le pena ya teng ee neng e betliwa ka majwe. “Re eletsa gore go ka bo gone go na le sekolo se se tshwang le sa Kgalemang Motsete le rona ra tsweledisa dithuto tsa rona, ra akola le ditirelo tse dingwe tse a neng a di ruta batsadi ba rona,” ga akgela Mme Chebanana Majoko wa motse wa Mosojane. A re lentswa lefatshe le le tletse ka matsororo a dikolo , tsamaiso ya tsone ga e tshwane le ya dikolo tsa bogologolo. E rile a tshwantshanya le mo nakong ya gompieno, Mme Majoko yo le ene a fitlhetseng sekolo seo se setse se phutlhame, a re bagodi ba segompieno ka bontsi ga ba tsene dikolo, mme a tlhalosa fa nako e dithuto tsa thuto ga e golelwe di simololang ka yone di beile bontsi jwa bone ka fa mosing ka jalo dikole di tshwana le sa Kgalemang Motsete di ne di sa tshwanela go swa, ka nako ya sone e ne e siametse mongwe le mongwe ka se ne se tsena phakela. O ne a tlatsa ka gore mo malatsing a gompieno go tletse makoa ka jalo fa go tla nako ya maitseboa bagolo ka bontsi ba batla go sekama ka jalo ga ba kgone go tsenelela dikolo tsa thuto ga e golelwe ka di simolola maitseboa. Mme Majoko a re go sego ba ba akotseng go tsena ka kgoro ya sekolo sa Kgalemang Motsete. A re ba tla dira ka bojotlhe go bona gore lefelo leo e nna la ditso. O rotloeditse botlhe ba ba nang le mafelo a ditso go a somarela go tshegetsa ngwao ya bo rraabo go tla go kgaogana le banabana ba bone ka tse di neng di diragala ka nako ya bone fela jaaka le bone batsadi ba bone ba kgaogane le bone ka tse di neng di diragala ka nako ya Kgalemang Motsete. Ba re Rre Motsete o tla tswelela ele mogaka wa bone ka a diretse batsadi ba bone tse ba tla se kitlang ba se lebala. Bokhutlo arts_culture_entertainment_and_media 0 Molemi morui o abetse batlhoki Kgosi ya Kisa mo kgaolong ya Kgalagadi, Rre Matshidiso Babeile o akgoletse molemi-morui mongwe wa motse oo go bo a eme puso nokeng ka go thusa ba ba dikobo dikhutshwane. Kgosi o ntshitse kakgolo e mo puisanong bosheng. Kgosi Babeile o kaile fa Rre Piet Villander a dirile tiro e ntle ya go ema puso nokeng ka e ka seke e kgone e le nosi le gone go araba mokgosi wa ga Tautona wa lefatshe leno wa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Rre Piet Villander yo e leng molemi-morui wa popota mo motseng oo, o thusitse batlhoki ba le bararo ka go ba neela dipudi di le lesome le bongwe mongwe le mongwe wa bone e le tsela ya go ema puso nokeng ka lenaneo la nyeletso lehuma, batlhoki ba le lesome le bone ba neetswe dikobo, fa bana ba sekole ba dikhutsana le batlhoki ba le lesome le bone ba thusitswe ka paka ya sekole. Mmaboipelego wa motse oo, Mme Vivian Mkukula o supile fa Rre Villander a dirisitse PI0 000 go reka diaparo le dikobo fa dipudi tse di masome a mararo le boraro tsone a di tsere mo lesakeng la gagwe. O tlhalositse fa molemi-morui yoo a boletse fa a gwetlhwilwe ke go bona banni ba motse wa gagwe ba tshelela mo lehumeng. A re gape o dirile jalo ka gone go leka go fitlhelela lengwe la matshego a Tebelopele ya 2016 la tshaba e e lorato, e le kutlwelobotlhoko e bile e kgathala ka ba bangwe. Mme Mkukula o tlhalositse fa Rre Piet Villander a dirile tiro e ntle thata ka dimpho tse a di fileng banni bao, a kaya fa a thusitse khansele ya Kgalagadi ka e tshwere phage ka mangana gonne go na le batlhoki ba le bantsi thata mo kgaolong eo. Mmaboipelego o tsweletse a supa fa Rre Villander a kaile fa a tlaa tswelela ka go supa mowa wa kutlwelo botlhoko le lorato ka go abela ba bangwe ba ba seng lesego mo metseng ee gaufi. BOKHUTLO society 9 Ba Gamodubu ba kopa go kopana le bogogi jwa khansele Monni mongwe wa Molepolole, Mme Gofiwa Tebanyo (54), a re go tshegetsa ngwao ya diphahana go mo tlodisitse melatswana. Mme Tebanyo wa kgotla ya Magokotswane, yo e leng molemi morui wa popota, a re kgwebo ya go betla diphahana go mo inotse mo lehumeng e bile e mo dirile motlotlo thata ka a santse a tshegeditse ngwao e a godiseditsweng mo go yone. Mo potsolotsong, Mme Tebanyo o boletse fa a tswa kgakala a fenya lehuma ka go rekisa diphahana tse a di lemang kwa tshimong ya gagwe e e kwa Gamodubu. O tlhalositse fa a jwala peo ya phahana ka nako ya temo fela jaaka dijwalo tse dingwe, mme e re e sena go gola a dirise shage go e phunya a bo a e apaya lebaka la di oura tse pedi gore e butswe e bo e nne motlhofo go falega le go betlega ka thipa, mme e re morago a boe a e apeye gape ka mogetlo go dira gore e nne le mmala o montle. Mme Tebanyo a re fa a sena go betla diphahana, o di rekisetsa ba motlobo wa ditso (museum) kwa Molepolole ba ba di dirisang mo meletlong ya ngwao, ga mmogo le go rekisetsa ba ba rekang go kgabisa mo medirong le mo malwapeng a bone. A re se se dirileng gore a nne motlotlo le go feta mo kgwebong ya gagwe, ka a setse a kgonne go oka bareki go tswa kwa ntle ga lefatshe la Botswana. A re o setse a kile a amogela bareki go tswa kwa Lesotho. “Morafe o o senang ngwao o tlhabisa ditlhong e bile ga o a nonofa. Maikaelelo ame ke go tshegetsa ngwao go ya pele,” a rialo. Mme Tebanyo boletse fa a bapaletswa kgwebo ya gagwe ke ngwana wa gagwe mo maranyaneng a Facebook a a supileng fa a mo kopantse le bareki ba le bantsi e bile kgwebo ya gagwe e tiile. “Ke tswa kgakala le ngwao, e bile ke ya pele le yone. Bakwena ga ba sa tlhole ba somaretse ngwao ka gore bontsi jwa bone bo a lema mme ga o kake wa fitlhela ba lemile phahana mo dijwalong tsa bone ka ba sa tlhole ba itse mosola wa yone,” a bolela. Mme Tebanyo o ne a galaletsa kgwebo ya gagwe ya go betla diphahana a supa fa e mo agetse motse e bile a tsweletse ka go itshetsha ka yone le ba lelwapa la gagwe. A re ka a rata ngwao e bile a e rotloetsa bobe, o kile a adima ba sekole sa Kwena Sereto diphahana tsa gagwe go di dirisa e le dikai fa ba ruta bana ka ngwao. A re o dirisa tshimo ya gagwe e e kwa Gamodubu go supegetsa bana ba sekole se se botlana sa Gamodumo ka tsa temo ka a lemile sengwe le sengwe mo go yone. Le fa gontse jalo, Mme Tebanyo o ne a ngongorega thata ka Bakwena ba ba tsweletseng ka go latlha ngwao ntswa ba godiseditswe mo go yone e bile e le serodumo sa batsadi ba bone. O rotloeditse balemi gore fa ba lema ba seka ba tlhopha dijalo tse di jewang fela ka batshwanetse go lema le tse di ka tsogang di supiwa e le bokao mo kgodisong ya ngwao. health 6 Ba lela ka dituelo tse di tsayang lebaka Modulasetilo wa komiti ya balemi barui kwa kgaolong ya Kweneng Bophirima, Rre Thomas Batlhophi a re o tshwenngwa ke tiego ya dituelo tsa madi a boraditerekere ka fa tlase ga lenaneo la temothuo la ISPAAD. Rre Batlhophi o ntshitse matshwenyego a mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng Bophirima, Rre Ngaka Ngaka kwa Takatokwane bosheng. O supile fa boraditerekere ba sale ba lemetse morafe ka lenaneo la ISPAAD mme ba ise ba bone dituelo tsa bone. O boletse fa seemo se, se ba kgobisa marapo ka ba tla a tlhoka madi a go ipaakanyetsa letsema le le tlang go sale nako. A re kgang e, e tswa kgakala le mo dingwageng tse di fetileng mme o gwetlhile ba lephata la temo thuo go tsibogela seemo se ka se paledisa boraditerekere go akola mananeo a puso ka thelelo. Fa a tswa la gagwe,mongwe wa boraditerekere e bile e le molemi, Rre Titus Matthys o supile fa ba lela sa khuranyo ya meno ka kgang ya dituelo. A re ba tlhaloseditswe fa mathata e le maranyane a tsa dituelo tsa GABS mme a kopa puso go boela morago tsela e ya dituelo ka go supagetse fa e ntsha maduo a a kwa tlase. Banni ba ne gape ba ngongorega ka thuso e ba e fiwang kwa marekisetsong a dijo tsa loruo(LAC). Ba boletse fa ka dinako tsotlhe morui a ka seke a fitlhele dijo le melemo ya dikgomo mme se se felele se baka gore loruo la bone le ba le filweng ka lenaneo la LIMID le ba latlhegele ka ntlha ya malwetse. O tsweletse a re, le fa nako tse dingwe dijo le melemo di le teng, morui o kgona go busiwa a tlhalosediwa fa morekisi a seyo, jalo ba kopa ba ba maleba go tsibogela seemo seo ka jaana se kgoreletsa maiteko a puso a go ba inola mo lehumeng. Fa a tsibogela dingongora tseo, molemisi kwa motseng wa Takatokwane, Rre Ditiro Bolepya o tlhomamisitse fa e le nnete dituelo tsa boraditerekere di saletse morago. O supile fa go lebega seemo se, se sa tshwenye kwa kgaolong ya Letlhakeng fela mme go lebega e le sa lefatshe leno ka bophara ka jalo a solofetsa fa puso e itlamile go se tokafatsa. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Matlho o fetile ka tse ditsididi E rile bosheng bath ba Lorolwane kwa kgaolong ya ga Ngwaketse ba tlhopha kgosi. Ditlhopho tseo di ne di tsamaisiwa kwa mothusa kgosi wa Batlokwa Kgosi Michael Gaborone.Mo maineng a mararo a a neng a ntshitswe ke morafe, Rre Matlhoakgosi Matlho o ne a fenya ka 144, a latelwa ke Rre Bamphemetse Sekoanelo ka batlhophi ba le 90, le Rre Modiri Maiketso ka 29 mme ga senyega ditalama di le tlhano.Kgosi Gaborone o ne a tlhalosa fa Kgosi Malope II wa Bangwaketse a kopile gore ba itirele boammaaruri ka go tlhopha ngwana wa Lorolwane, yo ba itseng e le ene a tshwanetsweng ke setilo seo. A re Kgosi Malope o supile fa motse oo jaanong o setse o godile mo e bileng o ka nna le kgosi ya one. Ditlhopho tseo di tla morago ga gore Kgosi Moepasediba Maiketso, yo o neng a itlhophetswe ke Kgosi Seepapitso IV wa bangwaketse a sale botshelong, a tlogele tiro ka bogodi bosheng.E ne e rile go le pele Kgosi Gaborone a tlhalosa fa keletso ya puso e le gore batho ba nne le baeteledipele ba ba ba batlang e bile ba ba kgotsofatsa. O ne a ba lemotsha le botlhokwa jwa go lebogela seabe sa ga Kgosi Maiketso fa a ne a sa ntse a ba eteletse pele, segolo jang gore a bo a sa ganelela mo setilong. Kgosi Gaborone o ne a lebogela baagi go bo ba tlhophile ka mowa o le mongwe go rarabolola kgang ya bogosi kwa motseng wa bone, mme a tlhalosa fa a tlaa fetisetsa maina ao le maduo a ditlhopho kwa go Kgosi Malope II gore a tle go tlhoma kgosi. Bangwe ba ne ba supile fa bogosi bo tshwanetse Rre Matlho, ka jaana rraagwemogolo e le ene motlapele mo lefelong leo. Bangwe ba supa fa Rre Sekoanelo e le ene bo mo lebaneng ka jaana rraagwemogolo a ne a kabo a tsere bogosi joo pele ga ga Rre Maiketso mme ga retela ka a ne a sa itse go kwala, fa bangwe ba dumela gore Rre Maiketso o tshwanetse ka jaana e le morwa Kgosi Maiketso. Ya re morago ga tlhopho eo, mothusa mookamedi wa makgotla a Setswana, Rre Godfrey Moitlobo a kopa baagi ba Lorolwane go tlotla le go amogela yo o tlhophilweng jaaka kgosi ya bone. Mongwe wa banni, Mme Keikanetswe Moswete o ne a lebogela gore jaanong ba tlaa nna le kgosi yo o tlaa ba thusang tsotlhe tse di mo tlhokang mo motseng. A re ba ntse ba sokola mo e bileng ba ne ba patelesega go ya go kopa dithuso kwa Mabule. BOKHUTLO politics 7 Mogolwane o kgothatsa morafe go somarela tlholego Morafe wa Shashe-Mooke o kgothaditswe go somarela di-tsa tlholego gore di seka tsa nyelela. Kgothatso e, e dirilwe ke mothusa mogolwane mo lephateng la dikgwa le tshomarelo tikologo wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Jailos Nswazwi mo phuthegong ya kgotla bosheng. Rre Nswazwi o tlhalositse gore puso e tshwenyegile thata mabapi le tsela e batho bangwe ba dirisang di-tsa tlholego tse di fitlhelwang mo dikgaolong tsa bone botlhaswa. Ke ka moo a neng a kgothatsa banni gore ba itse fa e le maikarabelo a bone go netefatsa gore di-tsa tlholego mo kgaolong ya bone ga di nyelediwe gore kgabagare di tle di ba sologele molemo. A re batho bangwe ba na le go tsaya gore boikarabelo jwa go boloka di-tsa tlholego ke jwa puso fela. O boletse fa mokgwa wa go nna jalo o tshwanetse wa fela mme ba itse fa go somarela di-tsa tlholego go le botlhokwa mo matshelong a Batswana. A re gape go ka thusa gore dikokomane tse di tlang di tle di nne le thuto le kitso ka di-tsa tlholego tse di leng teng mo lefatsheng leno. Rre Nswazwi gape o ne a supa fa go rengwa ga ditlhare e le nngwe ya dikgang tse di ba tshwarisitseng phage ka mangana lefatshe ka bophara. A re batho bangwe ba rema ditlhare mo go sa babalesegang go dira dikgong, a tlatsa ka go re mme e bile bangwe ba gweba ka dikgong ba sena diteseletso. O tlhalositse fa e se tshwanelo gore batho ba reme ditlhare tse di tshelang go dira dikgong. A re ba tshwanetse go dirisa tse di omileng, e bile ba di dirisa mo go lekanetseng. Rre Nswazwi o boletse fa ditlhare tsa mophane le motswere e le tsone di tshabelelwang ke go rengwa go dira dikgong mme se se rotloetsa bosekaka, kgothego ya mmu ga mmogo le kgotlelesego ya loapi. O bile a tlhalosetsa banni gore puso ga e lomeletse ope go dirisa di-tsa tlholego, ka jalo ba tshwanetse ba di dirisa mo go tshwanetseng gore tikologo e seka ya babalelwa. A re ba ba bonwang molato wa go rema ditlhare mo go sa babalesegang ba ka atlholelwa sekete sa dipula kgotsa kgolegelo ya dikgwedi tse di sa feteng ngwaga. politics 7 Ba lela ka tlhaelo ya barutabana Go bolelwa fa go na le tlhaelo ya barutabana kwa sekoleng se sebotlana sa motse wa Tsetseng. Mafoko a, a boletswe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Tsetseng Rre Letlhomame Maphale, kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo Rre Ngaka Ngaka. Rre Maphale o supile gape fa ba sena mokenti mme ba thusiwa ke wa motse wa Motokwe, yo le ene ba supang ba sa kgone go mmona jaaka ba solofela, a bo a supa fa se se dira gore ba sokole go bona teseletso ya go rekisa leruo la bone. O tlhalositse gape fa ba sokola go reka metsi, a bo a ntsha matshwenyego a gore tanka ya metsi e tsholola metsi. Rre Maphale o boletse fa ba sale ba solofediwa gore go tlaa dilwa tsela ya Motokwe/ Tsetseng, mme le ka nako eno go sena sepe se se dirwang mo go yone. O boletse gape fa mmaboipelego le molemisi ba nna kwa motseng wa Motokwe, mme go le thata gore ba ba thuse ka jaana ba sena koloi. O boletse gape fa ba sale ba utlwalela gore ba filwe madi a kgaolo go ya go aga motse wa setso, mme nako kgolo ke eno ga ba ise ba a bone. Modulasetilo o tlhalositse fa ba tlhoka mokgweeetsi wa koloi ya kokelwana, gape ba kopa gore kokelwana eo e tsenngwe motlakase le kwa sekoleng, gammogo le diofisi tsa kgotla. Erile a tsibogela mafoko a, mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane Rre Ngaka Ngaka, a supa fa puso e tsibogetse selelo sa bone, ka jaana go tlaa tsenngwa motlakase wa letsatsi kwa dikoleng tsa metse e e kgakala le ditlamelo jaaka sa Kaudwane le Tsetseng, a supa fa metse e mengwe jaaka Khekhenye le Metsibotlhoko e tlaa gokelelwa motlakase ka jaana e le gaufi le metse e e nang le motlakase. Mopalamente o supile gore madi a kgaolo a teng mme go ne go santse go baakanngwa dilo dingwe tse di neng di sa dirwa, a bo a ba kopa go leta ka tsholofelo, ka jaana kopo ya bone ya go aga motse wa setso e tlaa diragadiwa. O ntshitse matshwenyego a maduo a a kwa tlase a sekole sa Tsetseng, a supa fa bana ba banana e le bone ba ba tsenang dikole, mme batsadi ba bone ba sena kgatlhego go bona tiro ya bone kwa sekoleng. O supile fa erile ka ngwaga wa 2013 sekole seo se ne se dirile 33.3 per cent , ka ngwaga wa 2014 sa dira 54.5 per cent mme ngogola se wetse tlase gape ka 30.8 per cent. O supile gore dikole mo kgaolong ya gagwe di okeditse maduo kwa ntle ga sa motse wa Tsetseng le Maboane, tse tsotlhe maduo a tsone a leng ka fa tlase ga 50 per cent. Mopalamente o boletse fa a ntshitse kopi e e gaisanelwang fa e sale ka ngwaga wa 2014, mme sekole sa ntlha go e phamola e ne e le sa Tshwaane, mme ya tsewa ke sa Dutlwe se tlhomaganya dingwaga tse tharo, a supa fa jaanong e tlaa nnela ruri kwa Dutlwe mme a ya go reka e sele. Bokhutlo education 4 Kokelo ya Maokatumo e tla tlhabololwa Banni ba motse wa Kgagodi ba itsisitswe fa kokelo ya Maokatumo Service Centre e tsentswe mo lenaneong la ditlhabololo la NDP 11. Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng wa Kgagodi, mopalamente, Rre Kefentse Mzwinila o ne a tlhalosetsa banni fa ditlhabololo tsa kokelo ya Maokatumo Service Centre di tlaa dira gore e nne nngwe ya dikokelo tse di tlaa dirisiwang bosigo le motshegare e sa tswalwe. A re banni ba Kgagodi le metse e e mabapi ba tlaa thusiwa gaufi ka tsa bongaka le pelegi ntleng le go latela thuso kwa Palapye ka gore kokelo ya Maokatumo e tlaa atlolosiwa e bo e tsenngwe le ntlo ya pelegi. Dingwe tsa ditlhabololo tse di tsentsweng mo NDP 11 tse di amang Metse ya Tamasane le Kgagodi le metse e e mabapi mo kgaolong ya botlhophi ya ga mopalamente Mzwinila ke go tlhabololwa ga sekole se sebotlana sa Tamasane, kokelwana le ofisi ya sepodisi, fa kwa Mogapi go tlaa tlhabololwa kokelwana. A re ka ngwaga wa 2015, tona wa tsa botsogo o ne a tlhalosa fa lephata la botsogo le sena thulaganyo epe ya go tlhabolola kokelo ya Maokatumo le fa setshaba sa mo tikologong ya kokelo eo se ne se kopile gore e tlhabololwe, mme ka lesego e wetse mo NDP 11. Kwa Mogapinyana Rre Mzwinila o ne a re lefatshe leno le tlhaelelwa ke madi fela thata mo go lebegang le tlaa dira ditiro tse dingwe ka madi a dikadimo, mme a supa fa botsadi bo tshwanetse go ipaakanyetsa go tshswaraganela kgetsi ya tsie le puso mo thutong ya bana. O ile gape a lekodisa ka go tlhabololwa ga makopanelo a tsela ya Dikabeya e e fapogang go tswa mo go ya A1 go tsena mo metsing ya bone a re e ya go dirwa mo kgweding eno, gore e nne le mela e le meraro go fokotsa dikotsi tse di tsweletseng ka go gapa matshelo a batho. Mme o ne a re bontsi ja ditlhabololo tse ba VDC ba di akantseng di tlaa dirwa ka madi a a abetsweng ditlhabololo, a Constituency Development Fund a supa fa kgaolwana nngwe le nngwe ya mokhanselara e ya go nna le seabe mo mading ao. E ne ya re ba akgela banni ba Mogapinyana ba supa fa ba itumelela ditlhabololo tse di tlang tseo le one madi a a akantsweng ao, mme ba supa fa go tswalwa ga BCL go amile matshelo a batho ka bontsi mo bangwe ba letlhegetsweng ke matshelo fa bangwe ba lwala ditlhaloganyo. Ba ile gape ba leboga kgato e e tserweng ke kgosi ya motse wa bone Rre Sebedi Maphane ya go emisa go titielwa ga khadi mo motsing wa bone ba re go fokoditse dintsho le dintwa tse di ileng magoletsa mo motsing wa bone. BOPA health 6 Tonota o kganya ka bophepa Komiti ya ditlhabololo tsa Tonota e akgotse lenaneo la Ipelegeng ka babereki ba teng ba thusa thata mo go phepafatseng motse. Se, se builwe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse mo kgaolwaneng ya Maaloso, Rre David Ketshogile, mo phuthegong ya tekodiso morafe ka tsa ditlhabololo bosheng. Rre Ketshogile a re o lebogela tirisanyo mmogo e eleng teng magareng ga bone e le komiti ya ditlhabololo tsa motse le babereki ba Ipelegeng. A re babereki bao ba Ipelegeng ba dira tiro e ntle thata mo go phepafatseng motse. Rre Ketshogile a re e sale jaaka komiti e tlhophiwa kgwedi tse tharo tse di fetileng ga go ise go nne le makgwere ape magareng ga bone le babereki ba Ipelegeng. E rile a ntsha dikgwetlho tse ba kopaneng le tsone e le komiti, Rre Ketshogile a nankola dingwe di tshwana le go tlhoka go duelwa ga matlo a a hirisediwang batho. A re motlhala o ba o fitlhetseng mo komiting e e neng e sa tswa go phatlaladiwa ka kgwedi ya Seetebosigo o supa gore banni ba ba nnang mo matlong ao ba ne ba sa duele ka nako, a tlatsa ka gore go supagala gore nako dingwe ba ne ba sa duele gotlhelele. A re bangwe ba bone ba ile go berekela kwa mafelong a sele mme fa ba leka go ikgolaganya le bone go a retela ka bangwe dinomore tsa bone tsa megala di sa tsene gotlhelele fa ba leka go di leletsa. A re sebe sa phiri ke gore dituelo tseo ke tsone tse ba neng ba ka di dirisa go ntshafatsa matlo a bone gore a kgone go ngoka ba ba tlaa tlang. Mme Pauline Lesole o ne a tlhalosa fa a bona go le botoka gore batho ba ba sa ntseng ba nale sekoloto sa matlo ao ba tseelwe dikgato ka go isiwa kwa kgotlatshekelong. A re molao fela ke one o ka berekang mo nakong ya gompieno ka bone e le komiti ba reteletswe makgetho a mantsi. Le fa go ntse jalo, modulasetilo wa komiti, Rre Ketshogang o ne a kaya fa go nale bangwe ba ba neng ba hirisitse matlo ao ba ba setseng ba simolotse go duela dikoloto. Rre Lebogang Kesupang o ne a tlhalosa fa a lebogela gore maloko a komiti ba ne ba bona go le maleba gore ba tle go buisana le morafe ka dikgang tsa go nna jalo go nale gore ba tseye ditshwetso ba le nosi. Modulasetilo o ne a lebogela thotloetso e ba e boneng go tswa mo dikgosing a tlatsa ka gore komiti ya bone e akaretsa dikgotla di tshwana Maaloso, Maboledi le Borolong. society 9 Kgosi Ngwato o tlhokafetse Kgosana ya kgotla ya Mabeleng kwa Bobonong, Rre Oampona Ngwato o tlhokafetse morago ga go lwala lebaka le leleele. Kgosi Ngwato o tlholega kwa Serowe mme e ne e le mongwe wa bofelo go romelwa kwa Bobirwa ke bogosi ja Gammangwato go busa morafe wa Babirwa go fithelela ka ngwaga wa 1972 fa bogosi jwa kgaolo e bo boela mo go beng ba bone. Mo potsolotsong le kgosi ya Babirwa, Kgosi Mmirwa Malema o kaile fa Kgosi Ngwato e ne ele motho yo o bonolo, a le boammaruri , a sena mowa wa boferefere gape a le botho. O supile fa Kgosi Ngwato a ne a rometswe kwa Bobonong bofelong jwa dingwaga tsa bo 1960’s go busa Babirwa a tshwaraganetse tiro le Kgosi Malema a re fa motse o simolola go ikemela go tswa mo go busiweng ke dikgosi go tswa Serowe, Kgosi Ngwato o ne a aga mo Bobonong mme a etelela kgotla ya Mabeleng e a tlhokafalang e ntse e le kgosi ya yone. Bokhutlo society 9 Maphata a puso a isa ditlamelo kwa Mmashoro Mopalamente wa Bobirwa, Rre Shaw Kgathi a re molao wa bogodu jwa leruo o gagamaditswe go lwantsha bogodu jo bo ileng magoletsa mo Botswana. O buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla kwa Mabolwe, Semolale, Gobojango, Lentswelemoriti, Motlhabaneng le Mathathane. Rre Kgathi a re molao oo e bile o beilwe monwana go nna mo tirisong gore fa batho ba tshwarwa ka leruo la bogodu, ba tsena kgolegelo ya dingwaga tse di lesome le bobedi fa e le lantlha, mme ba ba boelelang bone ba tsena kgolegelo ya dingwaga tse di lesome le botlhano. A re beng ba diselaga bone ba tlaa tseelwa diteseletso. E re dikgang di eme jalo, mothusa rramapodisi wa kgaolo ya Bokone Legare, Assistant Commissioner Deputy Division Commander North Central, Rre Tamapo Nthoiwa a re terata ya selekanyo sa 100m e setse e utsulwe kwa molelwaneng. Rre Nthoiwa o tlhalositse gape gore go kapa ditshwantso di bo di anamisiwa mo maranyaneng ke molato. O ne a rotloetsa morafe go ikgapha mo borukutlhing, go itsa go tsenya matshelo a bone mo diphatseng kana go itshenya maina. Fa ba akgela, banni ba Mabolwe ba ne ba bua ba menne phata ka leruo la bone le le tlolelang kwa Zimbabwe. Ba re fa puso e ka seke e gagamatse molao mabapi le leruo la bone le le tsewang ke baagisanyi ba Zimbabwe, go tlaa tlhagoga ntwa fa gare ga bone le maZimbabwe. Ba re tshenyo ya diphologolo mo masimong a Mabolwe, Gobajango, Semolale Motlhabaneng le Mathathane e ile magoletsa. Ba supa fa ba tswa ba iphotlhere ntateng ya ditlou, fa diphiri tsone di ba jela leruo mme ba sa atswiwe. Banni bao ba ne ba leboga mopalamente ka ditlhabololo tse a di ba diretseng mo metseng ya bone, di akaretsa ditsela le dikgoro tsa molewane. society 9 Mananeo a puso ke one tsela - Diphoko Mme Dikgakgamatso Diphoko o rotloeditse banni ba Setoto segolo bogolo banana go dirisa mananeo a puso. Mme Dipholo, yo e leng mmereki wa lephata la tsadiso le tlhabololo ya leruo, o buile se mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mokhanselara wa Letlhakane Borwa bosheng. O ne a tlhalosetsa banni tsotlhe tse di tlhokegang go ka thusiwa ka mananeo a. Banni ba ne ba supa fa ditlamelo di sa goroge kwa go bone ebile go tlatsa dikopo tsa mananeo a puso go le thata mme babereki ba le maoto a tshupa go ba thusa. Mme Mmaselelo Moalosi o supile fa ba tlhoka kitso e e tseneletseng ka mananeo a puso ebile letlhoko la dipalamo go latela diofisi kwa Letlhakane le le kwa godimo fela thata. O supile gape mathata a gore ga ba amogelwe ka lerato kwa diofising mme se se baka gore ba nyeme moko ba tlogele. Fa a ba ama ka lefoko Mokhanselara Rre Aaron Baitsemang o rotloeditse banni go nna le morero le tirisano mmogo ka fa batho ba ikgobokantse go le motlhofo go ka bona dithuso ka go twe moroto wa esi ga o ele. O ne gape a supa fa a ale teng ka nako tshotlhe ka jalo a ikemiseditse go thusa botlhe ba ba nang le keletso ya go tsaya mananeo a puso. Monni wa Setoto rre Ramarotse one a itlhaopa gore o tlaa thusa banni ka metsi.Se se ne sa itumelelwa ke banni ba supa fa a tlaabo a ba thusitse k aba skola ka metsi. Go tlhalosiswe fa madi otlhe a a setseng a dirisitswe mo mananeong a mo kgaolong ya Boteti a feta didikadike tse nne. BOKHUTLO society 9 Magosi a tshwanetse go nna sekao Mothusa kgosi wa kgotla ya Maokatumo, Kgosi Ketlhapile Kedikilwe a re dikgosi di tshwanetse go itsaya ka tsela e e amogelesegang go itsa go goga maina a merafe ya bone mo seretseng. Mo puisanyong le A re Kgosi ke mogogi, moeteledipele e bile ke ene pinagare o tshegeditse merafe e e farologaneng. O tlhalositse gore dikgosi di tshwanetse go itlotla gore setshaba le sone se ba fe tlotlo e e ba tshwanetseng. “Go le gantsi go simologa ka yo motona go ruta yo o kwa tlase ka boitshwaro, susu o tshwanetse go ilela suswana gore le suswana a tle a mo ilele,” Kgosi Kedikilwe a tlhalosa. A re kgosi o tshwanetse go nna phepa mo ditirong tse a di dirang gore morafe e ithute mo go ene. “Magosi ba tshwanetse ba ikaega thata ka lefoko la Modimo gore ba dire dilo tse di faphegileng ka go bo lefoko la Modimo le aga motho e bile le rotloetsa neelano le kagiso mo lefatsheng,” Kgosi Kedikilwe a supa. Go supa gore motho ke Kgosi e e nang le boleng, Kgosi Kedikilwe a re ga a a tshwanelwa ke go bonwa ka ditiro tse di fatlhang gore setshaba se mo tsee tsia le gore tshiamo e bonelwe mo go ene ka e le moeteledipele. A re o tshwanetse go bereka le morafe sentle ntle le go gatelela kana go gobelela morafe. Kgosi a re ngwao e na le seabe go dira magosi se ba leng sone fa ba e tsaya tsia le go e tlotla. “Go le gantsi re le dikgosi, go na le batho ba ba sa re rateng ka mabaka a gore fa re atlhola dikgang tse di beilweng fa pele ga rona re lebile mabaka a a ntshitsweng, gape Kgosi ga a a a tshwanela go nna le tsala mo tirong gore a tsee batho ka tekatekano. Kgosi o tlhoka morafe go dira tiro ya gagwe ka o thata ka morafe,” Kgosi Kedikilwe a supa. BOKHUTLO society 9 Gagamatsang seteropo - tona Tona wa ditsha le matlo, Rre Prince Maele, o laetse badiri le maloko a makgotla a kabo ditsha go gagamaletsa setoropo Batswana ba ba palelwang ke go tlhabolola ditsha tsa bone gammogo le ba ba inaakantseng le go gweba ka thekiso ya lefatshe. Rre Maele o ntshitse taelo e mo phuthegong ya kgotla kwa Shoshong bosheng. O ne a tlhalosetsa setshaba ka melawana e mesha ya makgotla a kabo ditsha le dikgwetlho tse lephata la gagwe le lebaneng natso. A re e re ka Batswana bangwe ba inaakantse le go gweba ka thekiso ya lefatshe, go ipaya lefatshe ntleng le tetlelelo ya makgotlana a kabo ditsha le go ikgatholosa go tlhabolola ditsha tse ba di abetsweng, ke sone se palamente e tsereng tshwetso ya gore batho ba ba sa tlhabololeng ditsha tsa bone mo dingwageng tse di masome a mararo ba di amogiwe gore di neelwe Batswana ba bangwe ba ba ka tswang ba tlhoka lefatshe la bonno. Rre Maele yo a neng a patilwe ke mopalamente wa Shoshong Rre Dikgang Makgalemele le modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Ngwato, Rre David Modisagape, o boleletse batho ba ba neng ba tsene phuthego eo gore dingwe tsa dikgang tse di apesitseng lephata la gagwe e bile di mo tlhokisa boroko e le tsa tshenyetso setshaba, go aba lefatshe ka tshokamo, go amogela pipa molomo ga badiri le tiego ya go abiwa ga ditsha tsa bonno le dikgwebo. Tona a re e re ka lephata la gagwe le apesitswe ke dikgang tsa tiego ya go abiwa ga lefatshe le tlhaelo ya lone,ke sone se a laetseng badiri ba makgotlana a kabo ditsha go simolola go theogela ka nako ya dijo tsa motshegare le go gapa ditsha tse di fetogileng matlotla. society 9 Tshwaragano e ka tsisa phenyo Mookamedi wa sekolo sa ithutelo ditiro sa GIPS, Rre Golekanye Setume o kopile batsadi, barutabana le baithuti go pataganela go kgweetsa sekepe sa thuto. Rre Setume a re matshego ao, ka boraro a tshwanetse a itlama go tshwaragana, a bereka a le seopo sengwe, ka seo ele yone fela tsela e e ka thusang dikolo go ntsha maduo a a itumedisang, a gakolola gore mokgwa wa go supana ka menwana bogolo jang fa sekolo se sa ntsha maduo a mantle, o seka wa bewa sebete ke ope. A re ka tshwanelo tsamaiso ya sekolo e tshwanetse ya tshwaraganelwa ke ba-na le seabe botlhe ba thuto mo motseng, go tila tiragalo ya gore e re sengwe se sa tsamaya ka fa go neng go solofetswe, bangwe ba bo ba emela fale, ba supa ba bangwe ka menwana. Rre Setume o ne a bua jalo kwa sekolong se se botlana sa motse wa Pole, jaaka se ne se ipelela phenyo ya maduo a lokwalo la bosupa a ngwaga wa 2013 le go rolelwa kopi e e amoganwang, e e phadisanelwang ke dikolo tse di potlana tse di welang ka fa tlase ga sekolo se se golwane sa Batanani JSS se se kwa Mapoka. Kopi eo, e e amoganwang e ne ya abelwa dikolo tseo ke monni mongwe wa Mapoka, rre Morris Habangana ka ngwaga wa 2010, go abelwa sekolo se se tla gaisang tse dingwe mo ditlhatlhobong tsa lokwalo lwa bosupa, e le tsela ya go leka go rotloetsa bana, barutabana le batsadi go dira ka natla mo thutong. Sekolo seo sa Pole, se dikile se ntshitse maduo a 93.3%, se gaisa jalo dikolo tse se gaisanyang le tsone tsa Nlapkhwane,Mapoka, Kgari le Masukwane, ka jalo sa phamola sejana seo kwa sekolong sa Kgari se eleng sone se neng sa se tshegetsa ka ngwaga wa 2012. Rre setume a re ba Pole ba kgonne seo ka go bo ba ne ba tshwaragane, ba tlhaloganya se ba se batlang, a gatelela botlhokwa ja gore sekolo se bulegele mongwe le mongwe, go na le gore batsadi ba bo ba tshaba go atumela sekolo ka mabaka mangwe mme seo se dire gore ba retelelwe ke go ntsha dikgakololo tse ba ka tswang ba na le tsone. A re fela ba-na le seabe mo thutong, ba tshwanetse ba itse fa go le botlhokwa gore batsadi mo metseng ba rwale mokgweleo otlhe wa go ema sekolo nokeng ka ditsela tse ba ka di kgonang, ka bodiredi jo bo foo, jone bo kgona go fudusiwa nako le nako go ya go direla go sele. Fa a lebisa mafoko kwa batsading, Rre Setume o ne a ba rotloetsa go laola bana le gore gangwe le gape ba nne ba okomela dibula tsa bana go di sekaseka le go bona ka fa ba tsweletseng ka teng, a tlatsa ka gore gape go botlhokwa gore ba nne ba botsa bana se ba batlang go nna sone fa ba wetsa dithuto. A re seo ka bo sone, se tla supa fa ba na le kgatlhego mo thutong ya bana, mme se ba tiise moko go dira ka natla go diragatsa ditoro tsa bone. E ne e rile go le pele fa a amogela baeng, modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana ya sekolo sa Pole, rre Nutu Nthonamo a tlhalosa fa tshwaragano e e renang gareng ga batsadi le barutabana, e le yone a dirileng gore sekolo se bo se ipelela phenyo eo. A re o itumedisiwa ke ka fa batsadi ba Pole ba tsibogang ka teng fa komiti ya gagwe e ba mema phuthego. Mogokgo wa sekolo sa Pole, Mme Taboka Masalila o ne a supa fa sekolo seo se tsweletse ka go dira sentle mo dithutong le mo metshamekong ka go farologana. Le ene fela jaaka modulasetilo wa PTA, o ne a bolela fa ba kgonne go ntsha maduo kantlha ya kemonokeng ya batsadi, a bo a galaletsa banni bangwe ba motse wa Pole ba ba tsweletseng ka go itlhaopela go thusa sekolo seo ka didirisiwa tse di akaretsang dikhomputara le motshine o o ntsifatsang dipampiri. Mme Masalila a re keletso ya bone ke go tswelela ba tshegeditse kopi eo go ya go ileng mme dikolo tse dingwe di utlwalele fela kwa go bone. Fa a bua mo boemong jwa mookamedi wa lephata la thuto mo kgaolong, mogokgo wa sekolo se se botlana sa Tshesebe Mme Kenalemang Zaba o ne a rotloetsa dikolo tse dingwe go nna di ipha matsapa a go etela dikolo tse di dirang sentle, go ya go tsaya botsepa jwa ka fa ba dirang dilo ka teng. BOKHUTLO education 4 Mogokgo o tshwenngwa ke go ima ga bana ba sekole Mogokgo wa sekole se segolwane sa Mookane Junior Secondary School, Rre Emmanuel Kwape o supile matshwenyego ka botlhokatsebe jo bo diragalang mo sekoleng sa gagwe, segolo bogolo go ima ga baithuti. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Kwape o tlhalositse fa go ima ga baithuti go ile magoletsa fa go tshwantshanngwa le ngogola mme se o kaile se dirwa ke banna ba batona kwa metseng e bana ba ba tswang kwago yone. Rre Kwape a re monongwaga ba kwadisitse dikgang tsa boimana di le thataro mme ngogola fa o tsamaya fa dikgang tsa boimana di ne di le tharo fela. A re ba ba amilweng thata ke go ima mo ke baithuti ba ba tswang Dibete. O kaile fa bogogi jwa sekole le barutabana ba dithuto tsa bokaedi ba tsere matsapa a go lekola batsadi ba bana ba ba imileng ba dira se ba tshwaraganye le mapodisi, bogogi jwa metse e bile gape ba mo dipuisanyong le ba Child-Line go ba thusa go tlhabana le seemo se. Rre Kwape o kaile fa baithuti ba bangwe ba tlogela sekole fela go sena mabaka gape bogodu bo ile magoletsa jo bo dirwang ke bone baithuti. Rre Kwape o boletse fa dikgang tse tsa botlhokatsebe di digela maduo a ditlhatlhobo kwa tlase, a re go tswa mo dikoleng tse di lesome le botlhano tsa kgaolo ya legare ke bone ba ba kwa bofelong mme mo lefatsheng lotlhe ba mo maemong a bosupa go tswa kwa tlase. Go leka go busetsa seemo mo taolong, Rre Kwape o kaile fa ba dule ka methale e akaretsa go bula mokgatlho wa tshedilo maikutlo kwa sepateleng sa Mookane mme se ba se tshwaraganetse le baithuti ba sekole sa ithutelo booki. O tlhalosa gore ba itlamile gore moso mongwe le mongwe morutabana a buisanye le baithuti ba gagwe ka dikgang tse di ba amang, se e le go leka go tlhotlhomisa modi wa botlhokatsebe jo bo diragalang. Rre Kwape o tlatsa ka go re barutabana ba bokaedi ba tshwere phage ka mangana go nyeletsa botlhokatsebe jo mme ba dira se ba tshwaraganye le mokgatlho wa PACT o one o fang baithuti sebaka sa go tlanyatlanya dikgang tse di ba amang ka bobone. BOKHUTLO education 4 LIMID e thusa Marakalala Monana ba Bobonong, Rre Immanuel Marakalala ke mongwe wa barui ba dipodi kwa morakeng o o bapileng le Bobonong wa Metsibotlhoko. Fa a bua mo potsolosong le BOPA, Rre Marakalala o tlhalositse fa ngogola a kgonne go bona dipodi tse di ferang bobedi tse dinamagadi le e tonanyana ka thuso ya LIMID. O tlhalositse fa dipodi tse a di neetsweng ka LIMID e le tsa Seswana, a tlatsa ka go re mofuta oo, ke o o kgonang go itsetsepela le go tshela lebaka le leleele mo dinakong tsa leuba. Rre Marakalala, yo o dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano, o supile gape fa LIMID e ne ya ba thusa ka melemo e e alafang malwetse a tshwana le kwatsi ga mmogo le bolwetse jwa mabele jo bo tlwaelesegileng ka go anama thata mo Bobirwa. O kaile fa LIMID e mo thusitse ka a tswa kgakala a na le toro ya go nna morui. A re botlhokwa jwa go rua dipodi ke gore di bogadi bo gaufi. Rre Marakalala a re dipodi di tlhokana le tlhokomelo e e tseneletseng jaaka go di neela metsi le go disiwa gore di seka tsa jewa ke dibatana kana tsa aswa. O tlhalositse fa nako e gorogile gore leruo jaaka dipodi le tsewe ka tlhoafalo segolo jang mo dinakong tsa gompieno tse lefatshe le lebanweng ke letlhoko la ditiro. Rre Marakalala o kaile fa dibatana le malwetse e le dingwe tsa dikgang tse di itsang barui go tswelela. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Dikereke di gwetlhiwa go itshekatsheka Mothusa motshwarelela bogosi jwa gaMmangwato, Kgosi Serogola Seretse, a re dikereke di na le seabe mo tsamaisong ya lefatshe. Ka jalo di tshwanetse go itshekatsheka bogolo jang ka lefatshe le ipaakanyetsa go ipelela boipuso jwa dingwaga tse masome a matlhano. Kgosi Seretse o buile se fa a ne a amogela maloko a mokgatlho wa baswela tumelo wa kereke ya Anglican mo bokopanong kwa s Serowe bosheng. Kgosi Seretse a re lerato le a nyelela, dikotsi tsa dikoloi di tsweletse go golela pele, selo se a reng se a tshwenya. A re lefatshe le no le tsepame bakeng sa dithapelo tsa dikereke a kopa maAnglican go ema ka dinao go fetola seemo se ka dithapelo. Kgosi Seretse a re ba tshwentswe gape ke go thubega ga dikereke, a gwetlha batsena bokopano go rapelela lerato le kagiso mo dikerekeng. A re Anglican ke nngwe ya dikereke tse di tswang goolowe di sena kgwetlho ya go thubega. Rre Gothusang Moremi a re sekolo sa gagwe se segofetse go bo se tshegeditse bokopano jo. O ne a galaletsa banana ba kereke e, ba a tllhalositseng fa ba supile gore ke bana ba Modimo ka go supa bopelotlhomogi le lerato ka go abela mme mongwe yo o nang le letlhoko fa ba ne ba kopane ngwaga e e fetileng. Rre Moremi o ne a re tiro ya banana ba, e ne ya a fa mme yo, tsholofelo le gone go lemoga fa bangwe ba kgathala ka ene. O ne a re tumelo e e nang le ditiro ke yone tsela. Mma bishopo Thapelo Beleme o ne a gakolola maloko a kereke go tlhokomela bao ba tlhokileng lesego, a re se se ka kgonafala fa batho ba ka itse seabe sa bone jaaka go neela. O ne a re go botlhokwa go nna le mananeo mo kerekeng go thusa ba bangwe. Mma Beleme o ne a re go na le dilo tse dintsi tse ba ka di dirang jaaka go etela magolegwa le go ba fa lorato le tsholofelo. O ne a re go na le bana mo kerekeng ba ba nang le letlhoko a re ba ka ba rotloetsa ka go ba tlhokomela. Mma Beleme o ne a re le bone jaaka kereke ba ka tsenya letsogo mo ditirong tse dingwe jaaka go agela batlhoki a re ga gona sepe se se thata mo leineng la Modimo. “A re direng se, e se go kgatlha ope, mme gore Modimo a galalediwe.” Maloko a, a ne a abela bana ba SOS mo Serowe, ka ba dumela mo go kgaoganeng le seo Modimo a ba segofaditseng ka sone. Bishopo Metlhayotlhe Beleme o ne a gakolola maloko gore ntswa ba tlaa bo ba na le kgaisanyo ya moopelo mo bokapanong jo, ba seka ba lwela dikopi tse di gapiwang, jaaka go kile ga direga mo lebakeng le le fetileng. “Tota go opela ke kgalaletso Modimo e e sa tlhokeng phadisanyo. Bokopano jo ga se go opela ntswa bangwe ba tlela moopelo.” O ne a gwetlha maAnglican go ema ka dinao go direla kereke le go tlisa pharologanyo mo matshelong a setshaba sa lefatshe leno ka go segofatsa ba bangwe. religion_and_belief 8 Tsogwane o kopa batlhophi go sireletsa lefatshe Mothusa Tautona e bile e le modulasetilo wa phathi ya Botswana Democratic Party (BDP), Rre Slumber Tsogwane o kopile batlhophi ba Takatokwane go ya go sireletsa lefatshe le ka tlhopho ya bone. Mothusa Tautona o buile jaana fa a ne a rola bontlhopheng ba Takatokwane ba bokhanselara le wa mopalamente e bong Rre Tshoganetso Leuwe Phatwe a le masome mararo le motso. Rre Tsogwane a re fa batlhophi ba ka tlhoka go tlhopha BDP ba itse gore ba tlaa bo ba digetse lefatshe le ka lemena. Ka jalo, Mothusa Tautona o kopile batlhophi ba kgaolo go ya go tlhopha phathi ya gagwe ka gore Tautona wa BDP Dr Mokgweetsi Masisi o setse a itshupile gore o ka dira pharologanyo mo matshelong a Batswana. A re tautona Masisi o setse a lerile diphetogo mo nakong e khutshwane fa a sale a tsaya setilo ngogola ka Moranang. O gakolotse batlhophi gore ba tshwanetse gore fa ba ya go tlhopha ba itse gore ditlhopho tsa monogwaga di farologane le tse difetileng. O gwetlhile batlhophi gore ba ye go tlhopha ba itse gore ba batla eng. A re ba seka ba ya go tlhopha fela ka gore ba solofeditswe madimadi. Rre Tsogwane o gateletse gore bone kwa BDP ba bapatsa phathi ka ditiro tse ba setseng ba di dirile. Mo go tsa dituelo, Rre Tsogwane a re puso ya Domokrag e dira dituelo go lebilwe matlhoki a lefatshe le a batho. A re dituelo tsa babereki di okeditswe monongwaga mme go dirwa jaana ka selekanyo se se rileng. Le fa go ntse jalo, a re baya go fetola itsholelo e nna itsholelo e e ikaegileng ka dikitso e bile e akaretsa batho botlhe. O bile a gatelela gore ba ya go fetola lefatshe le gore le ngoke babeeletsi. Rre Tsogwane a re Tautona Dr Masisi o tsamaya lefatshe lotlhe a ngoka bagwebi gore ba tle go dira dikgwebo mo lefatsheng le. A re bone bagwebi bao ke bone ba ba tsileng go godisa itsholelo ya lefatshe ba bo ba tlhama ditiro tsa sennela ruri. O boletse gape gore puso ya BDP e ya go dira molao o o bulelang letsomo la diphologolo jaaka e bile ditlou di setse di gorogile mo kgaolong ya Takatokwane. Moeteledipele wa ipapatso, Rre Danger Kgogwane a re ka ditlhopho tsa 2014 ba ne ba latlhegetswe mo dikgaolwaneng tse pedi tsa bokhanselara mme gompieno o tshephisa gore dikgaolwana tsotlhe ba ya go di fenya. Modulasetilo wa phathi wa Kweneng Bophirima, Rre Motlhophi Leo a re Rre Leuwe ga se motho yo e kareng kamoso a tlhabise batlhophi ditlhong kgotsa a ba itatole. A re o na le motlhalala wa sepolotiki e bile o diretse puso ya lefatshe le fa a ne a bereka e le lepodisi. O kile a nna modulasetilo wa khansele ya kgaolo-potlana ya Letlhakeng. O gateletse gore Rre Leuwe o ka nowa moro e bile o ka tshephiwa. A re kwa phathing ya BDP maemo a boeteledipele a amoganwa ka kagiso e bile go na le neelano. Mopalamente yo o sa tswang go fologa setilo e bile e le tona wa merero ya sechaba, boagedi le tsa bong Rre Ngaka Ngaka o kopile madomokrag gore ba tlhophe Rre Leuwe. O rurifaditse gore ene le Rre Leuwe ga ba na bothata e bile o tsamaya kgaolo yotlhe a mmapatsa. Ka jalo o kopile Rre Leuwe go tsweledisa fa a emeng teng mme dingwe tse a tshwanetseng go di emela ka dinao thata ke tsela ya Letlhakeng-Kaudwane. politics 7 Ba abetswe dibuka Bana ba masiela le ba batlhoki ba sekole se sebotlana sa Khudumelapye ba abetswe dibuka ke mogwebi wa lebentlele la Madina Trading Store, Rre Mujeburehman Duste ka Laboraro. E rile a amogela baeng kwa kabong dimpho eo, Kgosi Othusitse Mosimane, a supa gore fa motho a aba, o a bo a dira tiro e tona ka jaana le Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama a rotloetsa mowa wa go abela ba ba dikobo dikhutshwane. O tlhalositse fa go aba e se selo sa bagwebi fela, mme a rotloetsa Batswana go aba sepe se ba nang le sone go thusa ba ba kwa tlase. Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Khudumelapye, Mme Ompatile Kalayakgosi o ne a tlhalosa fa khansele e sa kgone go ba fa ditlamelo ka fa go tshwanetseng, a bo a supa gore ka ntlha ya se ba ne ba patelesega go ya go kopa dithuso mo mogwebing yo, mme a tlhalosa fa a ka kgona go abela bana ba masiela le batlhoki ba le masome a marataro le borataro. O supile fa bana ba e le ba mephato e e farologanyeng. Le fa go ntse jalo, Rre Duste o ne a seka a akgela sepe mo kabong dimpho eo, a supa fa tumelo ya gagwe e sa mo letle go bua sepe fa a aba. Mokhanselara wa Khudumelapye/Sesung, Rre Bokopano Tumiso, o ne a supa fa Rre Duste a ba beile motlotlo ka go reetsa selelo sa ga mogokgo, a supa fa mogwebi yoo e se la ntlha a abela batho ba Khudumelapye, a bo a supa fa a tshwanelwa ke go lebogiwa go menaganye. Rre Tumiso o tlhalositse fa ba eletsa gore mogwebi yoo a tswelele ka ntlha ya se a se dirileng, a bo a kopa batho ba motse oo gore ba mo eme nokeng gore a tle a atlege mo kgwebong ya gagwe. O supile gape fa khansele-potlana ya Letlhakeng e tsere tshwetso ya gore go okediwe madi a go rekela bana dibuka gore ba tle ba gole sentle, a bo a supa fa tshwetso e e ka nna ya ama dilo dingwe tse ba ntseng ba di dira. education 4 Robalang ka kagiso lick to see more pictures Baithuti ba sekole se segolwane sa Matsha College ba supa, ba ba tlhokafetseng mo kotsing ya koloi beke e e fetileng ba tsoga ba bolokwa kwa magabone. Ba le bararo ba tlaa bolokwa kwa Salajwe, a le mongwe kwa Mantshwabisi, a le mongwe kwa Sorilatholo, a le mongwe kwa Khudumelapye fa yo mongwe a tlaa fitlhwa kwa Takatokwane. E rile a bua kwa segopotsong sa bana bao kwa Salajwe maabane,Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama a eleletsa ba ba robaditsweng kwa dipateleng pholo e e bofefo bofefo, a re e rile a ile go ba tlhola dingaka tsa mo netefaletsa fa ba sidilega sentle. O ne a itsese phuthego fa puso e thusitse ka fa e ka kgonang ka teng mo serung se se oleng a bo a tlhomamisetsa malapa a a latlhegetsweng ke bana gore ba tlaa tswelela ba fiwa kemo nokeng yotlhe e e tlhokafalang le morago ga diphitlho. Tautona Khama o bile a iteela legofi boineelo jo bo supilweng ke badirelapuso le setshaba ka kakaretso mo go ithaopeng ga bone fa e sale kotsi e diragala ka Labotlhano wa beke e e fetileng. O kgadile mokgwa wa tiriso botlhaswa ya kgololesego ya go ntsha maikutlo, o a reng o kgatlhanong le mekgwa le melao ya Setswana. Tautona Khama a re le fa batho ba gololesegile go ntsha mafatlha a bone, ga go ree gore ba tshwanetse go bua fela ba sa tlhokomele gore ba bua eng jang, ka go dira jalo e le go tsuolola kgololesego eo. “Re le Batswana re itsege ka go emana nokeng, bogolo jang mo dinakong tse di thata tse. Ke tsone dinako tse re tshwanetseng go bopagana, e seng go kgaogana, go tlhaselana, go supana ka menwana le go tlhapatsana, ka go dira jalo go le kgatlhanong le ngwao ya rona. Ke go tlhoka botho.” Tautona Khama a re seemo se se a tshwenya ka gore go supasupana ka menwana mo go dirwa ke mapolotiki ba ba filweng boikarabelo jwa go etelela setshaba pele. Fa a ntsha la gagwe, tona wa thuto le tlhabololo dikitso, Dr Unity Dow a re kotsi ya bana ba Matsha ke tatlhegelo e e seng ka na ka sepe, a bo a re ke tshwanelo gore setshaba se botse dipotso mabapi le kotsi. A re puso e ikaelela go araba dipotso tseo gore maikutlo a batho a tle a kgone go wela a bo a solofetsa fa lephatala gagwe le tlaa dira ditlhotlhomiso tse di tseneletseng gore tiragalo e e seka ya ipoeletsa. Dr Dow o bile a lebogela bongaka jo bana ba ba mo dikokelong ba bo filweng le tshidilo maikutlo e e filweng ba masika a re ke tsa maemo a a kwa godimo. O ne a bo a solofetsa fa bana ba ba robaditsweng ba tlaa bewa golo go le gongwe gore ba tle ba sidilwe maikutlo. E rile a amogela baeng, Kgosi Moala Gaerupe wa Salajwe o ne a kgothatsa setshaba go tlhagafalela go ritibala maikutlo e seng go supana ka menwana a bo a gakolola batho gore ba seka ba timediwa ke ba ba reng kotsi e diragetse ka ntlha ya bofafalele. Tautona Khama o ne a patilwe ke matona a puso, mapalamente le bagolwane bangwe ba puso. E re dikgang di eme jalo, bangwe ba batsadi ba ba tlhokafaletsweng ke bana ba kopile gore puso e seka ya ntsha maduo a bone go bonwa ke setshaba ka go dira jalo go ka kgobola ntho logogo. Bana ba ba boneng kotsi ba ne ba boela magabone a sena go fetsa go kwala ditlhatlhobo tsa lokwalo lwa botlhano gone ka Labotlhano wa kotsi. Go sale foo, Thato Mosinyi o bega a le kwa Kang gore dibui ka go farologana tse di neng di tseneletse segopotso kwa Matsha, kwa Kang, mo go bone go le mothusa tona wa thuto le tlhabololo dikitso, Rre Fidelis Molao, ba kaile bana ba ba tlhagetsweng ke kotsi e le bana ba ba neng ba nyoretswe thuto. Rre Molao o tlhalositse fa lefatshe leno le latlhegetswe ke batho ba ba neng ba ka tsoga e le bagogi ba e bileng go ne go beilwe mo go bone. A re lephata la thuto le tlaa aga le gopola bana ba ba supang ba ba tlhokafetseng e le baithuti ba ba neng ba ineetse mo thutong gore ba tle ba tsholetse matshelo a ba malapa a bone. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Tweende e suga banana Lenaneo la Tweende le ntshitse tema ka jaana le tlhatlhelela banana ka dithuto tsa go itshimololela dikgwebo. Lenaneo leo le rotloediwa ke makalana a a ikemetseng a akaretsa banka ya Barclays, Ngamiland Council of Non-Governmental Organisations (NCONGO), United Nations (UNAIDS), Project Concern International (PCI) le Botswana Family Welfare Association (BOFWA). Tweende, ke teme ya Sembukushu e e rayang gore a re yeng. Mo potsolotsong, banana bangwe ba ba setseng ba akotse lenaneo leo, ba supile fa matshelo a bone a tokafetse thata ka jaana ba kgona go inosa metsi. Mongwe wa banana, Rre Baemisi Matenge yo o dingwaga di masome mararo le botlhano wa Chanoga o boletse fa a simolotse ngwaga ono go itlhatlhelela ka tsa kgwebo. A re o simolotse a sa itse sepe gotlhelele ka kgwebo a tlatsa ka gore o tswa go fatlhololwa ke Tweende. Rre Matenge o simolotse kgwebo ya go rekisa matsela, dinkgisamonante le dimonamone mo mmolong. Le fa go ntse jalo, Rre Matenge o boletse fa a ithutile go boloka bontlha bongwe jwa lemmenyana le a le selang letsatsi le letsatsi a tlatsa ka gore bontlha jo bongwe o kgona go itshetsa le gone go reka tse a ka tsholetsang kgwebo ya gagwe ka tsone mo isagong. Rre Matenge o rotloeditse banana segolo jang ba ba sa direng gope go tsaya mananeo a tshwana le la Tweende tsia. A re ba ka nna le bokamoso jo bo eletsegang ga mmogo le gone go itlhamela ditiro. O tlhalositse gape fa mananeo a thusa banana go ikgapha mo ditirong tsa botlhokatsebe jaaka go dirisa nnotagi phetelela, bogodu le tse dingwe. Mongwe wa batsamaisi ba lenaneo, Mme Thato Mosweu o tlhalositse fa lenaneo le itebagantse le go tlhatlhelela banana mo dikarolong di le tharo ebong, thuto, ditiro le kgwebo. A re ba lemogile fa banana ba tlhoka kemonokeng ga mmogo le go rutwa ka fa ba emelanang le dikgwetlho tsa botshelo. O tsweletse a re banana ba rutwa le gone go itlhokomela mo malwetseng a tlhakanelo dikobo jaaka HIV/AIDS. Le fa go ntse jalo, Mme Mosweu a re banana ba ba setseng ba akotse lenaneo ga ba amege bobe mo ditirong tsa botlhokatsebe ka jaana ka ba tlhabilwe podi matseba ka diemo tsa botshelo. O tlhalosittse gape fa ba ne ba inaakanya le morafe go tsaya megopolo ka maikaelelo a go tokafatsa lenaneo leo. education 4 Umbrella e kgathala ka matshelo a batho - Boko Moeteledipele wa phathi ya Umbrella for Democratic Change (UDC) Rre Duma Boko o kopile batlhophi ba Letlhakeng/Lephepe go itsaya ka tlhoafalo le go rekegela seriti sa bone. A re ba tlhoka kemedi e e kgathalang ka matshelo a batho, selo se phathi ya gagwe e dumelang mo go sone. Fa a rola ntlhopheng wa bopalamente Rre Ontatlhile Selatlho le bontlhopheng ba makhanselara ba kgaolo eo ka Matlhatso kwa Letlhakeng Rre Boko o ne a re ba ka fetola matshelo a bone ka go tlhopha baemi ba phathi beke e e tlang. Moeteledipele wa UDC o tlhalositse gore o tshwentswe ke gore Letlhakeng/Lephepe e aparetswe ke lehuma le le ngomolang pelo e bile morafe wa kgaolo eo bontsi ga o bereke. Rre Boko o ne a supa gore ga go na Motswana ope yo o tshwanetseng go sotlega kgotsa go tlhoka tiro mo lefatsheng leno, ka le humile bobe. A re go le gantsi bagolo ba sotlegela kwa Ipelegeng ba duelwa dituelo tse di kwa tlase. Moeteledipele wa UDC o ne a re fa ba tsaya puso, bagolo ba tlaa atswiwa ka P1 500 kgwedi le kgwedi. O tsweletse a re mo pusong e e tlaa bong e eteletswe pele ke phathi ya gagwe bagolo bao ba tlaa nna kwa malwapeng ba tlhokomela bana ba bana. O ne a supa gape gore babereki ba lefatshe leno ba duelwa dituelo tsa bokgoba. Rre Boko a re babereki ba tshwanetswe ke dituelo tse di fang seriti, ke ka moo phathi ya gagwe e solofetsang go duela babereki madi a a seng kwa tlase ga ga P3 000 gore bone ba ba kwa tlase ba kgone go itshetsa. Ya re fa a laya bontlhopheng, Rre Boko a gatelela gore kgaolo e tlhoka kemedi e e kgathalang ka matshelo a batho. A re phathi ya gagwe e gatelela gore ga o kake wa tlhabolola lefatshe o sa tlhabolola motho. O laetse bontlhopheng gore ba tshwanetse go ya go emela dikeletso tsa batho. A re moeteledipele ga a boi, ga e re a kopana le dikgwetlho a bo a sia. A re moeteledipele wa motia ke yo o emelelanang le dikgwetlho. Fa a tswa la gagwe, Rre Selatlhwa o supile fa a amogela thomo e bile a tlaa dira ka gotlhe go emela dikeletso tsa batho ba kgaolo. society 9 Tirelo Setshaba e tokafatsa ditirelo Gore lefatshe leno le gatele pele, banana ba tshwanetse go tsenya letsogo mo go tokafatseng ditirelo tsa setshaba ba dirisa mananeo a puso jaaka Tirelo Setshaba. Ao ke mafako a ga Rre Tshiamo Kgamanyane yo e leng mongwe wa banana ba ba mo lenaneong la Tirelo Setshaba kwa Palapye. Fa a bua mo potsolotsong, Rre Kgamanyane, yo o dingwaga di masome mararo le boraro, a re banana ba ba mo lenaneong la Tirelo Setshaba le ba ba tlaa le tsenang ba tshwanetse go itse maikaelelo magolo a lone a mangwe a one e leng go rotloetsa mowa wa boithaopo le boipelego. O supile fa gantsi banana ba ba tsenang Tirelo Setshaba ba felela ba e phuaganya mo tseleng ka go bo ba ngongoregela dikatso, selo se a tlhalositseng fa se bolaya maikaelelo a lenaneo leo. A re banana ka e le bone bajaboswa ba lefatshe leno, ba tshwanetse go le aga gore le gatele pele ka go tsenya letsogo fa go nang le tlhaelo ya bodiredi ba sa lebelele dikatso. O tlhalositse fa a ne a tsena Tirelo Setshaba e le tsela ya go thusa morago ga go bona fa ditirelo tse di ntshiwang ke maphata a puso mo kgaolong ya gagwe di le bonya, sebe sa phiri e le tlhaelo ya bodiredi. Rre Kgamanyane, yo o direlang kwa kokelwaneng ya Extension 3 kwa Palapye, a re o amule go le gontsi morago ga go tsena lenaneo leo. A re mo dingwageng tse pedi a le mo Tirelo Setshaba a direla mo go tsa melemo, o setse a ithutile ka malwetse le melemo ya one le go nna pelotelele mo tirong. O kaile fa se se mo itumedisang go feta e ke go bo bagolwane ba kokelwana ba ne ba mo tlhoma go nna moeteledipele (supervisor) wa banana ba Tirelo Setshaba mo kokelwaneng morago ga go bona fa a dira tiro ya gagwe ka botswapelo le kitso e e tseneletseng. A re seo ka bonosi se supa fa a kgonne go diragatsa maikaelelo a Tirelo Setshaba, ka jalo a gwetlha banana ka ene go emela lefatshe la bone ka dinao. BOPA society 9 Mapodise a Good Hope a tlhotlhomisa dintsho Mapodisi a Good Hope a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng borre ba le babedi ba tlhokafetse, mme mongwe wa baswi o tlholega kwa Aferika Borwa. Ramapodisi wa Good Hope, Rre Mogomotsi Kwapa o tlhalositse mo potsolotsong gore monna wa dingwaga tse di masome mararo yo o tlholegang kwa Aferika Borwa a fitlhetswe a rapaletse fa fatshe kwa motseng wa Malokaganyane. Go ya ka ramapodisi go bolelwa fa rre yo a ne a sa tsoga, mme a ne a tsile go ithuta bongaka jwa setso. Ramapodisi o tlhalositse fa rre yo mongwe wa mo gae yo o digwaga tse di masome mararo le bosupa, le ene a fitlhetswe a tlhokafetse mo ntlong ya gagwe mo Good Hope. Go ya ka ramapodisi, go supa fa baagisanyi ba ne ba belaela ka go supa fa koloi ya gagwe e le teng, mme go setse go le sebaka a sa tswe mo ntlong. Ka go nna le dipelaelo ba ne ba itsise mapodisi mme ba thuba letlhabaphefo mme ba mo fitlhela go belaesega a ole. Mapodisi ba ne ba mo isa kokelong kwa ba bongaka ba neng ba supa fa a sa bolo go tlhokafala. Ditiragalo tse tsotlhe di diragetse mafelong a beke. Ramapodisi o kopile setshaba, bogolo jang ba ba nang le baeng ba ba tswang kwa ntle ga lefatshe go ba bega kwa kgosing go tila mathata a mantsi. O supile gape gore go borai gore fa motho a lwala e le motswakwa a ete, ka jalo o gakolola setshaba gore ba ne ba emela batho gore ba fole pele. O tlhalositse gape gore fa batho ba sa ikutlwe sentle go botlhokwa gore ba itsise baagisanyi gore ba tle ba bone thuso ka potlako. Mo go tse dingwe o tlhalositse fa go nnile le kotsi e e supang fa dikoloi tse pedi di thulanye mme tsa golafatsa bana ka nngwe ya dikoloi e ne e pegile lolwapa, go supa fa e le baAferika Borwa. O supile fa bana ba ba dingwaga tse di lesome le bongwe le borobabobedi ba robaditswe kwa kokelong ya Bokamoso ka ba bone dikgobalo mo tlhogong le mo mafatlheng. O tlhalositse fa go supa fa mokgweetsi yo mongwe wa rre, a ne a se na teseletso ya go kgweetsa, mme yo o thulanyeng le ene a belaelwa fa a ne a sa kgweetse ka kelotlhoko. O kopile setshaba go fokotsa lebelo le go kgweetsa ba na le diteseletso. O tlhalositse fa go le botlhokwa gore fa bana ba palame koloi e e butsweng kwa morago ba nne le mogolo yo o tlaa tsamayang a ba tlhokometse. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Tlhaelo ya matlo a borutelo e a tshwenya Mothusa mogokgo mo sekoleng se se botlana sa Nhake mo Tsabong ,Mme Nnuku Lorekang a re ba tshwengwa ke tlhaelo ya matlo a borutelo le mochine o o ntsifatsang dipampiri mo sekoleng sa bone tse di felelang di diga maduo a sekole seo. Mme Lorekang o buile se bosheng mo phuthegong ya batsadi le barutabana e maikaelelo a yone e neng e le go tla go buisana ka maduo a sekole seo a mephato yotlhe, dikgwetlho tse barutabana ba kopanang le tsone mabapi le baithuti go tlhophiwa ga komiti e ntsha le tse dingwe. Mothusa mogokgo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa mophato wa lokwalo lwa bone ba le masome a ferabongwe le bone mme bana ba kgaogantswe ka ditlhopha di le tharo e leng Seetelo, Tsabong le Nhake. O kaile fa baithuti ba sekole seo botlhe ba ka nna makgolo a matlhano le masome a mane go simologa ka mophato wa ntlha go ema ka wa bosupa mme ka ntlha ya tlhaelo ya matlo a borutelo bana bangwe ba tshwanelwa ke go rutelwa mo ofising ya barutabana. Mme Lorekang o ne a kaya fa ba roletse ba khansele letlhoko la bone mme ba kaile fa mo nakong ya gompieno go sena madi a a ka agang matlo a borutelo a mangwe fa e se fela gore ba fokotse bana go ba isa kwa dikoleng tse dingwe mo motseng oo ka di le tharo ka palo. Fa a ama tsa botlhoka tsebe o ne a kaya fa bana bangwe ba senya dikago tsa puso mme seo e le poelo morago go di baakanya ka go na le ditlhabololo tse dingwe tse khansele e itebagansteng le tsone, mme a kopa batsadi go kgalemela bana ba bone. Mo phuthegong eo barutabana ba mephato yotlhe ba ne ba tlhalosetsa batsadi ka maduo a bana a setlha sa bobedi le gore tsholofelo ke eng mo nakong e e tlang, ba ne gape ba ngongorega ka batsadi bangwe ba ba sa kgatlhegeleng le go tshwaragana le bone ka ditiro tsa bana ba bone ka ba etela kwa sekoleng go ya go lekola ka fa bana ba dirang ka teng mo dithutong tsa bone. Mongwe wa barutabana ba lekwalo la bosupa Rre Joel Besson o ne a supa fa ba setse ba ipapanne sentle ka ba setse ba itlhokoletsa ditlhatlhobo tsa lokwalo lwa bosupa mme tsholofelo e le gore ngwaga ono ba tle ba kgone go feta ka tse di tsididi ka go gaisa dikole tse dingwe ka maduo a lokwalo lwa bosupa mo kgaolong ya Kgalagadi. Rre Besson o ne a gwetlha batsadi go nna seopo sengwe ka go nna le tshwaragano le tirisanommgo ka seo e le sone se ka ba kgontshang go ntsha maduo a a kgatlhisang. Mo phuthegong eo go ne ga nna le sebaka sa go tlhophololwa ga komiti e kgologolo le go tlhophiwa ga e ntsha. Modulasetilo yo o neng a tsamaya Rre Bothwell Manjeya o ne a lebogela tirisano mmogo ya barutabana le batsadi le bone ka seo se ne se ba kgontsha go dira tiro ya bone ka matsetseleko le gone go tswa ka ditharabololo tsa dikgwetlho tse ba neng ba lebagane le tsone mo lobakeng lwa bone. Rre Manjeya yo e leng mogwebi mo Tsabong o ne a kgothatsa le yone komiti e ntsha e e tlhophilweng go dira ka natla le go nna le mowa wa boithaopo le lorato ka seo se ka ba kgontsha go dira ditlhabololo tse di ka godisang le go isa sekole seo kwa pele. O ne a tlatsa ka go gakolola batsadi go tsamaya le bana kwa dikerekeng ka seo se ka ba aga go simologa ba sa le ba botlana. education 4 Ba-na-le-bogole ba tlaa akarediwa ka bontsi Mothusa tona wa Merero ya ga Ofisi ya ga Tautona le Bodirela Puso, Dr Gloria Somolekae a re puso e ikaelela go akaretsa ba-na-le-bogole ka dipalo tse dintsi mo lenaneong la nyeletso lehuma ka gore go lemotshegile fa ba tshelela mo lehumeng. O boleletse bobega dikgang jalo morago ga thutopuisano ya nyeletso lehuma e e neng e tshwerwe kwa motseng wa Damochujenaa ka mafelo a beke. A re ba-na-le-bogole ba na le mananeo a a faphegileng ka gore dipalo tsa bone di kwa tlase, ka jalo ga ba kgone go bona mananeo le dithuso tsa puso, a tlatsa ka gore mananeo a kgaogantswe go ya ka bogole jwa bone le letlhoko la bone. Dr Somolekae a re go botlhokwa go ba rotloetsa go inaakanya le mananeo a gore le bone ba tle ba akole meamuso ya puso le gone go tsaya botsipa jwa go ka kgona go intsha mo lehumeng. O tlhalositse fa a itumeletse go bona ba-na-le-bogole kwa thutopuisanong eo le mororo ba ne ba se bantsi, a re se se tlaa rotloetsa ba bangwe gore le bone ba ikopele mananeo le go itse gore ba akareditswe mo ditogamaanong tsa setshaba. Mothusa tona a re puso e tswa kgakala e lwantsha lehuma, a re bosupi jwa maiteko a a bonwang le ke sefofu ka jaana lehuma le fokotsegile thata fa go tshwantshanngwa le mafatshe a mangwe mo Aferika. A re maikaelelo a puso ke go thusa ba ba ntseng ba ikaegile ka dithuso tsa puso mme ba ka kgona go itshwarela ka diatla, a tlatsa ka gore ka mananeo a nyeletso lehuma puso e leka go fokotsa mokgweleo wa go jesa batho ba ba ka kgonang go ijesa. BOKHUTLO politics 7 Tsela e tlaa dirwa ka ESP lick to see more pictures Mopalamente wa Shashe Bophirima, Rre Fidelis Molao, a re tsela e e tswang kwa motseng wa Mosetse e ralala Lepashe e ya Matsitama e tlaa dirwa. Tsela eo, e e dikhilomithara tse di masome matlhano le bongwe, ke nngwe ya tse di solofetsweng go dirwa ka lenaneo la go rudisa itsholelo la Economic Stimulus Programme (ESP). Rre Molao, yo e bileng e le mothusa tona wa thuto le tlhabololo dikitso, o buile jalo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Matsitama ka Labotlhano. A re lenaneo leo le le tlaa tsayang dingwaga tse tharo, le tlaa bo le itebagantse le go fefosa mananeo a a neng a le mo ditogamanong tsa ditlhabololo, a a neng a le mo thulaganyong gape a sekasekilwe mme a seegelwa fa thoko ka nako ya kwelo tlase ya itsholelo. O ile a tlhalosa fa thata thata le tlaa bo le itebagantse le mohama wa tsa botsogo, bojanala tsa ditsela le ditlhabololo tsa selegae. A re ka fa ditseleng, go tlaa dirwa ditsela tse dikhutshwane fela tse di akaretsang le yone ya Mosetse-Matsitama tota. O tsweletse a tlhalosa fa go na le tlhaelo ya matlo a boroko jwa barutabana, e e tsamayang kwa diketeng tse tlhano mme go solofetswe fa e tlaa re dingwaga tse tharo tsa ESP di wela ka ngwaga wa 2019 ka Mopitlo, e bo e le mangwe a mananeo a a tlaa bong a dirilwe. Rre Molao a re kokelwana ya Matsitama e tlaa godisiwa go nna kokelo mme go tlaa bo go akareditswe le didirisiwa tsa yone le bodiredi. Mo go tse dingwe, o ile a rotloetsa banni bao go reka diabe tsa kompone ya megala, a re go reka diabe go na le dipoelo, a gatelela ka gore ba seka ba tsaya gore ke dilo tsa batho ba ba nnang kwa ditoropong fela le bone ba itse fela gore mongwe le mongwe o kgona go di reka. O ne a ba kgothatsa ka gore go tshwana fela le metshelo e ba tlholang ba e dira e e reng bofelong jwa ngwaga ba bone sengwe, mme a re ba ka rekisa potsanyane kana kgongwana motho a e ithekela diabe. Rre Molao o ne a bolela fa ngwaga wa 2016 e le o o faphegileng ka Batswana ba tlaa bo ba wetsa dingwaga tse di masome matlhano ba ipusa. Mongwe yo o neng a tsene phuthego, Rre Philip Makale a re puso e ntsha mananeo a yone a le mantle otlhe mme selabe se tla le motsaya kgamelo. Rre Makale a boletse fa ba na le dingwaga tse tharo ba kopile go agelela masimo a bone ba le setlhopha, le jaanong ga ba ise ba bone thuso fa e se go isiwa kwa le kwa fela Banni ba ne ba lebogela mananeo a a tlaa dirwang ka thulaganyo eo ya ESP ba supa fa ba tlaa nna le sebaka sa go ka bona mebereko. Rre Molao o ile a tlhalosa fa lenaneo leo le beilwe leitlho ke balaodi mme go na le matona a a le tsamaisang, a re tsholofelo ke gore dithulaganyo tsa lenaneo leo di tsamaye sentle jaaka di rulagantswe. society 9 Sekole sa Mmadinare se aga banana Moruti Tirelo Obonye wa kereke ya Tirano mo kgaolong ya Mmadinare, a re bana ba ikgaphe mo mekgweng e e duleng mo tseleng ka e ka ba gogela mo thaelong. O buile jaana kwa bokopanong jwa ngwaga le ngwaga jwa bana ba mophato wa botlhano kwa sekoleng se segolwane sa Mmadinare bosheng. A re botho ke jone bo agang motho, ka jalo ngwana o tshwanetse go ikoba fa a bua le bagolo, ka le Baebele ya re ‘tlotla mmago le rrago gore malatsi a gago a botshelo a tle a oketsege’. O ne a kgothatsa bana ba sekole gore ba ithute thata ba tle ba ye mmadikole, gore ba tsoge ba iperekela ditiro tse ba di batlang. A re o utlwisiwa botlhoko ke basetsana ba ba raelwang ke banna ka go ba rekela dilo tse ba di batlang, le go ba fa madi, ka ba ba diya go ithuta gore le bone ba tsoge ba itirela sengwe. Moruti Obonye a re malatsi ano go malwetse a mantsi mo lefatsheng, ka jalo o rotloetsa bana go ikgapha mo go tsa tlhakanelo dikobo, mme ba emele lenyalo. E ne ya re bokopano jo bo ntse bo tsweletse, molalediwa wa tlotla, Rre Eric Kealeboga Masalila, yo e leng motlhokomedi wa mokgatlho wa Mmadinare Development Trust, e e dirang ka tsa tlhokomelo tikologo, a rutuntsha bana ka mokgatlho o. A re bana ka e le bone bajaboswa jwa lefatshe le, ba tshwanetse go tlhokomela matlotlo a tlholego le go a dirisa sentle. Rre Masalila a re puso e fetiseditse tlhokomelo ya ditsatlholego mo makgotleng a selegae go tshedisa morafe jaaka dikgwa, phane, dikgaga, metswedi ya metsi le diphologolo. O tlhalositse gore fa go nna le letsomo, go na le ba ba patang batsumi, ba e nnang bone matlho a lekgotla, ba itse fa letsomo le emang teng, ka jalo go ka seke go nne le ditshenyegelo tse di kalo kalo. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Tshekiso o inaakantse le bodiragatsi Mme Botho Tshekiso o ne a inaakanya le setlhopha sa bodiragatsi sa Madiba e le tsela ya go batla go tsaya loeto lwa sekole. Seo se feletse se dira gore a nne le lorato le legolo thata mo go tsa bodiragatsi. Monana yo o gagabelang dingwaga tse di masome a mararo, a re lorato lwa gagwe mo bodiragatsing lo mo gwetlhile go tsaya talente ya gagwe ka tlhoafalo, a bolela fa go sena sepe se se ka lekanang le kagiso e a nnang le yone fa a tlhagisa molaetsa go babogedi a le mo seraleng sa bodiragatsi. A re mo loetong lwa gagwe lwa go diragatsa, o simolotse a inaakanya le setlhopha se se bidiwang Word of Power ka 2009 mme setlhopha se, se ne se diragatsa mo metseng mme sa felela se tsenelela dikgaisanyo tsa malatsi a gaTautona. ‘Ke ne ka kopana le Rre Ambrose Baipidi ka 2011 yo e leng gore botlhatlheledi jwa gagwe bo feletse bo dira gore ke tlhagelele mo ditshwantshong tsa motshikhinyego.’ Monana yo wa Shoshong o tlhalositse fa a tlhageletse lantlha mo setshwantshong sa motshikhinyego ka 2016 a dira ipapatso ya lekgotla le le tsamaisang ditlhopho. A re e rile morago ga seo a lemoga fa a tshwanetse go ititaya ka thupa mme a feletsa e le mongwe wa batsaya karolo mo setshwantshong sa motshikhinyego se se neng se bidiwa Bonweenwee ka 2017. Mo nakong ya gompieno o tlhagelela mo setshwantshong se se bidiwang Pillars mo telebisheneng ya Botswana ya banana. O boletse fa go diragatsa go mo tseela nako e ntsi ka jaana dinako tse dingwe le jwa dintshi a sa bo bone. ‘Nako nngwe le nngwe fa ke ipona mo setshwantshong sa motshikhinyego ke a kgothala, ke monyetla o o senang tlhwatlhwa mo botshelong jwa me.’ Mme Tshekiso o ithutetse go tsamaisa kgwebo kwa Botswana Accountancy College mme ka nako eno o mo lenaneong la go ithuta a tshwere ka diatla kwa ofising ya ga Tautona. A re dinako tse dingwe o na le go inyatsa, segolo bogolo fa a sa amogelwe mo go dingwe tsa ditiro tse a itekang lesego mo go tsone. O boletse fa a ikgomotsa ka go re ga a kake a amogelwa gongwe le gongwe, ka jalo a tswelele le go iteka lesego. Monana yo o gakolotse banana ba ba batlang go ipona ba diragatsa gore ba nne le lorato gonne ba tlhoka bopelotelele go kgona ditoro tsa bone. A re go tsaya nako gore dilo tse dintle di diragale mo bodiragatsing jwa Botswana. O lebogile goromente go bo a abela badiragatsi madi ka se se ka thusa go kabakanya itsholelo le go tlhamela banana ditiro. O kopile dikompone tse di ikemetseng go thusa badiragatsi le go leboga batsaya karolo go bo ba sa ipone tsapa go lwela seemo se se botoka sa bodiragatsi. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Tshwaragano konokono - Thiite Mopalamente wa Ghanzi Bokone a re tshwaragano le tirisano mmogo ke yone tsela le boammaruri mo go tsiseng ditlhabololo mo kgaolong ya bone. Rre John Thiite o buile jaana mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Qabo, Kuke le Dakar bosheng. O boleletse banni ba metse eo fa a lebogela tlhopho ya bone, ka jalo ba tshwanetse go itse gore o ya dirisana le mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore ke wa phathi efe. Mopalamente o boleletse banni fa ba tshwanetse go emela ditlhabololo tsa metse ya bone ka dinao. A re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o batla go bona Botswana a golela pele, ka jalo ba tshwanetse go ema ka dinao go bona gore metse ya bone e a tlhabologa. O tlhaloseditse banni gore mo dingwageng se tharo tse di fetileng, go bonala fa madi a ditlhabololo tsa dikgaolo a ne a sa dirisiwe sentle, a tlatsa ka go re dingwe di ne di sa dirwe ka lebaka la tlhaelo ya bodiredi. O ne a kopa banni go dira ditlhabololo tse di ka ba tsisetsang dilo di tshwana le dipone tsa mekgwatha. A re o akanya gore theko ya lefatshe e ka ba kgontsha go dira temo ya nosetso gore ba kgone go ntsha dijo tse di ka jesang lefatshe leno le go ka direla banana ba kgaolo ditiro. O tlhalositse fa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse, morafe le makhanselara ba tshwanetse go buisana pele ga ba ka isa kopo kwa ofising ya gagwe. A re ga a bone mosola wa gore madi ao a kgaoaganngwe, a tlhalosa fa go le botlhokwa gore go lebelelwe ditlhabololo tse di tona tse di ka diriwang tse di ka solegelang batho botlhe ba kgaolo molemo. E ne e rile pele Kgosi Dereck Xlau wa Qabo a batla tlhaloso gore madi a ditlhabololo a bereka jang e bile a tswa morago ga dingwaga tse kae. O boletse gore fa e sale madi ao a tsena bone mo Qabo ga ba ise ba bone ditlhabololo di dirwa ka lenaneo leo. Banni ba Qabo bone ba ne ba ngongorega ka tsela ya bone e ba reng e maswe, ka jalo ba kopa gore fa e le gore ga e mo lenaneong la go tshelwa sekontere, bogolo e gopiwe. Ba ne ba tlhalosa gape fa ba kopa go tsenyediwa motlakase, ba supa fa dikgwebo tsa bone tsa mananeo a puso di sa bereke sentle ntateng ya letlhoko la motlakase. Ba ne ba lela gape ka letlhoko la matlo a badirelapuso, ba kopa gore kokelwana e atolosiwe. Kwa Kuke banni ba ne ba lela ka tlhaelo ya metsi. Ba boleletse mopalamente gore seemo sa metsi ga se ba robatse. Ba ne ba tlhalosetsa mopalamente fa ba ne ba phakisiwa dihutshane ka lenaneo la nyeletso lehuma, mme jaanong dihutshana tsa bone di ka nna tsa felela di sule ntateng ya lenyora ka gore koporase ya metsi ga e siele leruo. Le bone ba ne ba kopa go tsenyediwa motlakase. Fa a araba selelo sa bone, mopalamente o ne a tlhalosa fa puso e beetse fa thoko P19 million go tla go araba selelo sa letlhoko la metsi. O ne a tlhalosa fa tiro eo e ka nna ya simolola morago ga Mopitlo. Mopalamente o ne a tlhalosa fa Kuke e le mongwe wa metse e e mo lenaneo la go gokelwa motlakase. politics 7 Komiti e supa mowa wa kutlwelobotlhoko Komiti ya botsogo ya Local Enterprise Authority (LEA) kwa Masunga e tsweletse ka maiteko a go diragatsa letshego la tebelopele la setshaba se se kutlwelobotlhoko e bile se le lerato. Badiri ba LEA ba supile seo kgwedi eno e tlhola letsatsi jaaka ba ne ba abela lelwapa loora Balo kwa Vukwi pompo ya metsi, tshingwana ya merogo le go tsenya terata mo lwapeng la bone, tse tsotlhe di lopileng P9 000. Fa a tshwaela mo moletlong o mokhutshwane wa go rolela ba lelwapa leo dimpho, modulasetilo wa komiti ya botsogo ya LEA, Rre Gaolaolwe Phologolo o ne a re e re le ntswa tiro ya bone e itebagantse le go thusa Batswana go simolodisa le go godisa dikgwebo tsa bone, fela ba bona go le botlhokwa gore ba tokafatse ka tsela nngwe matshelo a ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Rre Phologolo a re morago ga go lemoga seemo sa ba lelwapa leo, ba ne ba thulanya ditlhogo jaaka gale mme ba dumalana ka mogopolo wa go ba thusa ka dimpho tseo, e le ka maikaelelo a go leka go tlhabolola le go fa lelwapa leo seriti. A re ka jaana puso ya lefatshe leno e tseela kwa godimo go tlhabolola motho, ka jalo o itumedisiwa ke go bo lekalana la gagwe le le mo motlhaleng o montle wa go thusa mo maitekong ao. A supa fa e se lantlha ba dira tiro ya go tshwana le eo, mme ba nna ba thusa fa ba lemogang botlhoki teng, e bile ba setse ba kile ba thusa boora Balo ka dijo. Rre Phologolo o ne a supa fa madi a a dirisiwang mo ditirong tsa mothale o, ba a ntsha ka boteng jwa dipelo tsa bone go tswa mo dipateng tsa bone, a supa fa mongwe le mongwe wa bone a ntsha bonyenyanenyana kgwedi le kgwedi mme e re ba bona letlole la bone le le botoka, ba dire sengwe. Fa a latlhela la gagwe, mookamedi wa lekalana la LEA kwa Masunga, Mme Segakolodi Ntebele o ne a tshephisa fa ba tlaa tswelela ba supa mowa oo, a re ka jalo e tshwanetse ya nna thotloetso mo Batswaneng ka kakaretso, ka seo se ka thusa go dira pharologanyo mo matshelong a bangwe. Mme Ntebele o ne a rotloetsa boora Balo go sola molemo dimpho tseo, a ba gwetlha go lema merogo go leka go bona letseno lengwe la go itshidisa le ba lelwapa la bone. Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Vukwi, Rre Zulu Mutshula o ne a akgola badiredi bao mo maitekong ao a ba a dirileng, a re boora Balo jaanong ba tlaa tshela botshelo jo bo botoka. Rre Mutshula o ne a supa fa le bone e le ba VDC, ba na le keletso ya go thusa bangwe, sebe sa phiri e le go bo ba na le kgwetlho ya madi ka ba sena letseno lepe le le ba tsenyetsang madi mo letloleng. Modiri wa lephata la boipelego, Mme Onameditse Seetapele le ene o ne a galaletsa maiteko ao, a re ba LEA ba dirile tiro e ntle, ka jalo a ba rotloetsa go tswelela ba thusa go ya go ileng. Mme Seetapele o ne a re batho ba tshwanetse ba tsaya malebela mo go ba LEA mme e bile ba itse fa go se mpho epe e e ka galalwang. Rre Boikarabelo Balo o ne a leboga go menagane, a re mpho eo e tlaa ba fa seriti se se tshwanang sa malwapa a mangwe. society 9 A selo se twene se monate bobe? Motse wa Sehithwa o tlwaelesegile thata ka tshwaro ya ditlhapi mo letsheng la Ngami. Mme se batho ba sa se itseng ke gore batho ba tlotlile lesika lengwe la tlhapi le le bidiwang twene. Mo potsolotsong bosheng, Mme Junior Rashid, 38, yo e leng mongwe wa batho ba ba ratang seshabo sa twene, a tlhalosa fa twene e na le sebopego se se tshwanang le sa leruarua e bile e le pharologanyo mo tlhaping e e tlwaelesegileng ya bream. Mme Rashid o kaile fa ka tshwaro, twene e le borethe e se makokoma jaaka tlhapi e e tlwaelesegileng. Mme Rashid o tlhalosa gore twene e ka apewa ka methale e e farologanyeng. Motho o ka e gadika, a e tlhadia kana a e swaa. Mme Rashid o kaile gore pele ga a gadika twene; o e tlhatswa a bo a e ntsha letlalo a bo a e segelela bosesanyane gore a kgone go ntsha marapo sentle. O kaile fa marapo a twene a le masesane a sa tshwane le a tlhapi e e tlwaelesegileng, mme e bile fa motho a se kelotlhoko, marapo a teng a kgona go mmeta. Fa a sena go e segelela, Mme Rashid o e tshela metswako e e natefisang dijo, e nne thokwa mo go kgatlhisang. Pele ga a e apaya, o kaile fa a e tlhatswa a bo a e segelela a bo a e tsenya mo potong ya Setswana ya maoto a mararo, a bo a e apaya ka molelo e kgabakgaba ka iketlo. “Fa o batla go dira twene loswao, o e tshela metsi go ftlhelela e butswa. Fa o setse o bona gore e budule, letlalo le tlaa itlhaola ka bolone a bo o le ntsha. Marapo le one a ntshiwa pele ga tlhapi e swaiwa. “Pheletsong ke tshela mahura ke bo ke loka letswai, ke bo ke e swaa ka leswana la mogori,” Mme Rashid a gatelela. Mme Rashid o kaile gore twene e monate fa e apeilwe ka leiso ka monko wa molelo o e natefisa le go feta. Mme Rashid o tlhalositse fa twene e le seshabo se se monate e bile tatso ya teng e tshwana fela le ya koko e bile e sena monko o o kalo. O tlhalositse fa go nna mo motseng o o tshwanang le wa Sehithwa go le molemo thata ka gore tlhapi e bonwa motlhofo e bile ba e reka ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase. O kaile fa go na le motshwari wa ditlhapi yo o nnang a mo tla matshediso a mo rekisetsa twene mme e bile o reka mo go ene ka P20 e le nngwe fela. O tlhalositse fa twene e kgona go dirwa segwapa e bile e le monate le go fetisa e e sa omisiwang. Mme yo, o tlhagisa fa magalapa a twene a sa jewe mme a ntshiwa ka motho o kgona go rokomologa mmele fa a a jele. Mme Rashid o kaile fa tlhogo ya twene a swaa a bo a tlhakanya le phaleche a bo a neela dintsa. O kaile fa dintsa tsa gagwe di na le mmele o o kgatlhisang e le fa twene e gatang teng. Mme Rashid o rotloeditse Batswana ka kakaretso go ja twene, segolo bogolo fa e le gone e tshwarwang mo nokeng ka e na le dikotla tse di nonotshang mmele e bile di o dibela mo malwetseng ka go farologana. BOKHUTLO society 9 Komiti ya boipuso e tlhantlhetse Modulasetilo wa komiti e e baakanyetsang boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano, Rre Boyce Sebetela, o kopile banni ba Jwaneng go tswa ka megopolo ya go ipelela mokete wa letsatsi leo ngwaga o o tlang. O buile jalo kwa kgotleng ya Jwaneng morago ga toropo eo e sena go amogela molelo wa kgolagano o o dikologang lefatshe leno. O tlhalositse fa maikaelelo a molelo oo e le go gakolola Batswana ka matshego a popagano, puso ya batho ka batho, ditlhabololo le go ipelela lefatshe leno l. O boletse fa komiti ya gagwe e gatetse pele go tlhagolela tsela mokete oo, mme a tlatsa ka gore go botlhokwa gore ba Jwaneng le bone ba nne le seabe mo go ipeleleng letsatsi leo. A re molelo wa kgolagano ke nngwe ya dithulaganyo tse di rurifatsang fa boipuso jwa ngwaga o o tlang e le jo bo faphegileng, ka jalo go le botlhokwa gore dikgaolo ka go farologana di nne le dithulaganyo tse di nonofileng. Rre Sebetela o tsweletse ka go tlhalosa fa ba bone go tshwanela gore mafelo otlhe a lefatshe leno a kgabisiwe ka mebala ya folaga ya Botswana. A re go kgabisa mo go tshwanetse ga dirwa go sa le nako. O boile gape a kopa setshaba ka kakaretso gore ba netefatse gore Labotlhano mongwe le mongwe ba apara mebala ya folaga ya Botswana. A re selo se se seka sa dirwa ke badirelapuso fela mme le badiri ba dikompone tse di ikemetseng ka nosi ba diragatse thulaganyo eo. A re go dira jaana go supa fa Batswana ba tshwaraganetse go ipelela boipuso jwa lefatshe la bone. O tlhalositse fa keletseo gape e le gore Botswana a bo a le phepa fa ngwaga o o tlang o goroga. O kopile popagano le tirisano mmogo mo Batswaneng gore maikaelelo a a tle a atlege. Kgosi ya toropo ya Jwaneng Rre Segale Letshele o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore Batswana ba tswelele ka go tshwaragana le ntswa e le ba ditso tse di farologanyeng. A re merafe e mengwe e tswela batho ba lefatshe leno pelo ka fa ba bonang go rena kagiso le thokgamo ka teng. Le fa go ntse jalo, Kgosi Letshele o ne a kopa banni ba toropo ya Jwaneng gore ba itshekatsheke ka bongwe ka bongwe go bona gore seabe sa bone ke eng mo kagisong e. A re go botlhokwa gore e re ntswa Botswana e le sekgantshwane sa tse dintle, batho ba supe seabe sa bone gore lefatshe leno le tswelele le itsege ka dilo tse dintle. A re e re ntswa go na le dikgwetlho mo lefatsheng, Batswana ba tshwanetse ba di lwantsha gore ba tsweledise kagiso le thokgamo. politics 7 Ba batla molelwane o tlhabololwa Badiri ba molelwane wa Martins Drift ba ikuetse mo pusong gore e tlhabolole dilo dingwe mo molelwaneng wa bone. Fa ba bua kwa bokopanong jwa bone le mopalamente wa kgaolo ya Sefhare/ Ramokgonami yo e bileng gape e le Tona wa Botsogo le Boitekanelo, Mme Dorcas Makgato, bosheng ba boletse fa molelwane wa bone o tlhoka go atolosiwa ka o na le motsamao o montsi wa dikoloi. Mongwe wa babereki ba molelwane oo, Mme Olebile Mabula o ne a bolela fa borogo jo bo kgabaganyang noka ya Limpopo go ya kwa molelwaneng wa Aferika Borwa bo tsamaya koloi e le nngwe ka jalo ba kopa gore go atolosiwe go letla gore dikoloi tse pedi di fete. A re dipone tse di laolang mosepele gone kwa borogong joo di sale di senyegile mo dingwageng di le mokawana tse di fetileng mme di batla paakanyo. O tsweletse a re dipone tseo tsa mesepele ya dikoloi di ne di thusa seemo sa motsamao wa dikoloi fela thata. Mme Mabula o ne a bolela fa ba na le letlhoko le lentsi la boroko mme babereki bangwe ba mo molelwaneng ba nna kwa motseng wa Lerala mme seo se sa ba siamela ka ba na le letlhoko la dikoloi. A re babereki ba ba nnang kwa Lerala ba a tsewa ba bo ba busetswa kwa motseng oo. O tsweletse a re matlo a bone a boroko a tlhokana le go baakanngwa ka a se mo seemong se ba ka bong ba nna mo go one mme a ikuela mo go Mme Makgato go ba thusa seemo se ka ba sa le ba ikuetse ko go ba ba maleba mme go sena nko e tswang lemina. O tlhalositse fa bodiredi jwa lephata la tsa mesepele bo tlhaela ka badiri ba le batlhano ka ba bangwe ba sa le ba isitswe kwa mafelong a mangwe mme ba seka ba emisetswa ka ba bangwe. Mme Mabula o ne a bolela fa ba tlhokana le pompara le mmereki yo o tlhokometseng ditlhare le go baakanngwa ga matlwana a boitiketso a badirisi ba molelwane. Le fa go ntse jalo Mme Makgato o ne a tshephisa badiri ba molelwane oo fa a tlaa isa dilelo tsa bone tsotlhe kwa maphateng a a lebaneng mme a bo a di latedisa gore di tsibogetswe jang. O ne a tlhalosa fa a sa bitsa diphuthego tsa kgotla jaaka ka tlwaelo mme a etela mafelo ka go farologana mo kgaolong ya gagwe a itebagantse le dilelo tse gantsi banni ba kgaolo ya gagwe ba lelang ka tsone. O boletse fa go mo solegela molemo thata go dira jalo ka a kgonne go bona ka matlho mathata a a tlholang a a bolelelwa mo diphuthegong tsa kgotla a tla ka komiti ya ditlhabololo tsa motse le morafe mme go tlaa mo thusa fela thata ka a bone bokete jwa one. BOKHUTLO politics 7 Nyeletso lehuma e fetola botshelo jwa ga Tiroyaone Monni mongwe wa Tonota Rre Thokweng Tiroyaone yo o dingwaga tse di masome a supa le boraro o supile fa a ipelafatsa ka dipodi tse a di filweng ka thuso ya lenaneo la puso la nyeletso lehuma. Mo potsolotsong le BOPA, Rre Tiroyaone o tlhalositse fa a leboga go menagane puso go bo e ne ya simolodisa mananeo ka go farologana ka maikaelelo a go leka go nonotsha seemo sa itsholelo ya Batswana ka kakaretso. O tlhalositse fa e ne ya re ka ngwaga wa 2012, a sena go utlwalela ka mananeo a go nna jalo ka banni bangwe ba ba neng ba setse ba segofetse mo go one, a seka a tlhola a re ka moso. “E ne ya re ke sena go utlwalela ka mananeo a a leng teng a puso e ikemeseditseng go re inola mo lehumeng le le tseneletseng, ka ikgogela gaufi le ofisi ya tsa boipelego ya Tonota go ya go tlhalosediwa ka botlalo ke bodiredi jo bo maleba jo,” a bolela jalo. O tsweletse ka go tlhalosa fa e ne ya re morago ga ditlhaloso tse di tseneletseng tseo a kgatlhegela go tsenya kopo ya go thusiwa ka dipodi. A re kopo ya gagwe e ne ya tsaya sebaka ntateng ya gore kgaolo ya Tonota Bophirima kwa a neng a eletsa go ruela teng e gomagomediwe ke matshosetsi a bolwetsi jwa tlhako le molomo. Fela a re a amogela seemo mme a leta ka tshepo le tumelo gore motlha mongwe tsotlhe di tla apara tshiamo. Ka tsholofelo e sa latse nageng, Rre Tiroyaone o bolela fa e ne ya re ka ngwaga wa 2014 a bidiwa kwa di ofising tsa boipelego mme ba ne ba mo rolela fa kopo ya gagwe ya go thusiwa ka dipodi e atlegile. “Ke ne ka phophoma ka boitumelo jo bo seng kana ka sepe morago ga go utlwa mafoko a a monate ka ke ne ke itse jaanong gore botshelo jwa me bo a fetoga ke nna morui.” A re o ne a abelwa dipodi di le lesome le boraro, fa mo go tsone di le lesome le bobedi e ne e le tse di namagadi le e tonanyana e le nngwe. O supa fa e ne ya re go le pele a ise a bone dipodi tse a neng a nna ka botshelo jo bo tletseng ka dipotso gore mme fela o ikaegile ka eng sa botshelo. Mo bogompienong, Rre Tiroyaone a re o ipela ka dipodi tse ka di mo fang seriti mo botshelong jwa gagwe le ba lelwapa la gagwe. Dipodi tsa gagwe mo nakong eno di setse di atlile ka di le masome a mabedi le boraro mme o di ruetse jalo kwa masimong a Bonwa-Ntsa. O bile a leboga go okediwa ga madi a go rekiwa ga dihutshane ke puso go tsweng kwa go P700 go ya kwa P1 000 tse di namagadi fa tse di tonanyana di okeditswe go tsweng kwa go P1 400 go nna P2 000. Go sale foo, Rre Tiroyaone o ne a paka fa temo thuo fela jaaka go tsweng Goo Lowe e na le seabe se segolo go ka fetola matshelo a Batswana fela fa e ka tsewa tsia. O kgadile bobe batho bangwe ba ba nnileng sego go akola mananeo a puso mme e re morago ba leseletse dikgwebo tsa bone di phutlhama. A re go dira jalo ke go busetsa maiteko a puso kwa morago a go leka go nonotsha itsholelo ya Batswana, mme e bile go lomeletsa ba ba tlang kwa morago ba ba nang le kgatlhego mo mananeong a. O gakolotse fa go bereka ka thata go na le maduo, akopa batho go sa adima tshwene marapo. Ends economy_business_and_finance 3 Dipolasi di itsa metse go gola Banni ba metse ya Thankane le Samane ba kopile puso go ba tswa thuso mabapi le dipolasi tse di dikaganyeditseng metse ya bone ka di e itsa go gola. Ba ntshitse matshwenyego ao mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke komiti ya palamente ya temo-thuo, lefatshe le bonno. Ba supile fa dipolasi tse di dikaganyeditseng metse ya bone di itsa metse go gola mme e bile di kganela le tsone ditlhabololo tse di ka tokafatsang matshelo a bone. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Thankane, Rre Ontiretse Barolong o ne a tlhalosa fa dipolasi tseo di ba pitlaganya mme e bile di sa ba tswele mosola e le beng ba motse. A re dipolasi tsa puso di hirisitswe mme ga ba tlhaloganye tsamaiso ya phiriso eo gore le bone ba iteke lesego. A re ba ne ba roma lekoko go ya go ikuela kwa pusong ka jaana ba sena lefatshe la mahudiso le masimo ka lebaka la dipolasi tseo. O tlhalosa fa go tlhoka lefatshe gape go ba busetsa morago mo ditlhabololong ka ba retelelwa ke go akola mananeo a puso a temo-thuo. Mongwe wa banni ba motse oo Rre Basimanyana Masire o ne a iteela mafoko ao kobo moroko, a tlhalosa fa motse wa Thankane go sena kwa o golelang teng. A re motse oo fa o simologa o ne o na le batho ba le masome mararo mme palo ya batho e a gola mme ga gona kwa ba katologelang teng. O boletse fa gape batho ba motse oo ba tlhakaladitswe ke lenyora ka jaana dipolasi tseo di tswaletse didiba tsa metsi ka kwa teng. O kopile puso go sekasekela batho ba metse eo ka jaana dipolasi tseo di ba hupeditse mme e bile di sa ba solegele molemo. Rre Matshwenyego Kesamang wa komiti ya barui o boletse fa leruo le dikile le sule ka bontsi ka ntata ya go tlhoka mahulo le metsi. A re go sule dikgomo di le makgolo a mane le masome a marataro fa dihutshane tsone go sule di le makgolo a mabedi le masome a matlhano. A re golo mo ke poelo morago ka jaana batho ba itshetsa ka loruo, e bile le banana ba ba nang le kgatlhego mo mananeong a temo-thuo ba tlaa kgobega marapo. O kopile puso gore e ba sekasekele gore dipolasi tse di ka thusa jang beng ba motse go na le go solegela molemo batho ba ba tswang go sele. E rile a ba kgwa dikgaba modulasetilo wa komiti ya temo-thuo, lefatshe le bonno, Rre Ngaka Ngaka a re o dumalana le bone gore go tlhoka lefatshe go busetsa ditlhabololo kwa morago e bile go ka tsenya batho lehuma. O ba tshephisitse gore komiti ya gagwe e tlaa feta e dira pego mme e neele ba ba maleba gore go tsewe kgato. A re e re ka ba re ba na le dingwaga ba ngongorega ka dipolasi tseo, o na le tumelo ya gore dikgang tsa bone di tlaa tsibogelwa. Leloko le lengwe la komiti eo Rre Mephato Reatile o ne a kopa ba kabo ditsha go nna ba sekegela dilelo tsa morafe tsebe. O ba rotloeditse go eteletsa dikeletso tsa morafe kwa pele go na le tsa batho ka bongwe ka bongwe. A re go dira jaana go tlaa thusa morafe go tswakanya itsholelo le gone go tsisa ditlhabololo mo metseng ya bone. BOPA society 9 Bome o tlhatlositswe maemo Kgosi Gaofenngwe Bome wa Kanye o tlhatlositswe maemo gonna moemela kgosi. Se, se tla morago ga leso lwa ga Kgosi Edwin Letlhare, yo o tlhokafdetseng ngogola. Kgosikgolo ya Bangwaketse Kgosi Malope II, o tlhalositse fa Kgosi Bome ene ele kgosana ya tetlanyo mo kgotleng yoora Bome mme a tloga a tlhatlosiwa go nna kgosana ee sekisang. Kgosi Malope o ne a tlhalosa fa maemo a ga Kgosi Bome a pele jaanong a tla a fiwa kgosana ya kgotla ya ga Taukobong, Rre Sane Kgotlaetsile. E rile a ntsha la gagwe, mothusa kgosikgolo, Kgosi Kebapetse Telekelo, a tlhalosa mo potsolotsong fa Kgosi Bome a sale a tlhomilwe mo maemong a tetlanyo ke moswi, Kgosi Seepapitso IV a sale botshelong. Kgosi Telekelo o ne a ba supa fa Kgosi Bome jaanong a tlaabo a tshwara ditsheko tse dikgolwane ebile a okametse mangwe magosi. Ba ga Ngwaketse ba ne ba atla tshwetso eo, ba supa fa e tlaa thusa gore kgotla e seka ya sala e sena le fa ele motho. BOKHUTLO society 9 Mokhanselara o tlhokafetse Mokhanselara yo o itlhophetsweng mo kgaolong ya Kanye Bokone, Mme Masegonyana Kgaodi o tlhokafetse kgwedi eno ele masome a mabedi le bobedi a le dingwaga di masome a marataro le bone. Mo potsolotsong ka Labobedi, modulasetilo wa khansele potlana ya Kanye, Rre Patrick Ralotsia o tlhalositse fa Mme Kgaodi a tlhokafaletse kwa Zimbabwe kwa a neng a ile bongakeng teng. O boletse fa Mme Kgaodi a ne a ntse a tsamaya bongaka kwa Aferika Borwa mme a tlhalosa fa ditlhabi di ntse di mo kgoreletsa go tsena diphuthego tsa khansele sentle. Rre Ralotsia o tlhalositse gore Mme Kgaodi o tsene mo sepolotiking ka 2009 ele leloko la phathi e e busang ya BDP mme ya re morago ga ditlhopho ya nna mokhanselara yo o itlhophetsweng ke tona, mme o ne a ne a sa emela ditlhopho tsa mono ngwaga. O tsweletse a re Mme Kgaodi o ne a na le seabe se setona mo khanseleng ka gape e ne ele modulasetilo wa komiti ya khansele ya thuto le botsogo, tiro e a reng o ne a e dira ka botswerere le bonatla. A re pele ga Mme Kgaodi a tsena mo sepolotiking e ne ele morutabana mme a tlogela tiro a setse a tshegeditse maemo a bogokgo. O boletse fa e ne ele mogwebi yo o itebagantseng le thuo ya dikoko tsa nama mme go tlhoka go tsoga sentle ga gagwe ga emisa kgwebo eo ka nakwana. Mogolowe moswi, Mme Monnosi Nyenye o tlhalositse fa Mme Kgaodi a tla a bolokwa kwa Kanye ka Matlhatso kgwedi eno ele masome a mabedi le bosupa. politics 7 Ba kopiwa go rekegela ditlhwatlhwa tsa ditirelo Modulasetilo wa khansele-potlana ya Hukuntsi, Mme Goratwamang Tlhage a re khansele e tshwenngwa ke bagwebi ba ba lopang madi a a tsitsibanyang mmele, segolo bogolo fa ba rekisetsa puso dithoto. O ba gwetlhile go rekegela ditlhwatlhwa tsa bone gore dikgwebo tsa bone di tle di gole. Mme Tlhage o buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwaretswe kwa Ukhwi bosheng jaaka khansele e ne e isitse ditlamelo gaufi le setshaba. Mme Tlhage a re ba tlhaloganya seemo sa banni ba ba nnang mo metseng e e kgakala le ditlamelo gore dikgwebo tsa bone ga di na mebaraka, ka jalo ba beile thata mo pusong go ba namola leuba. O ne a tshwaela gore jaaka puso e sa tswa go simolodisa lenananeo la go ja sefitlholo ga bana kwa dikoleng tse dipotlana, ka maswabi bagwebi bangwe ba rekisetsa puso lee le le lengwe ka P10. A re le fa go le jalo, ga ba a tshwanela go paralatsa menwana jaana ka puso le yone e tlhaelelwa ke madi. O ne a ba tlhalosetsa fa puso e leka go ba nonotsha mo dikgwebong tsa bone. A re fa ba ka tswelela ka mokgwa oo, ba tlaa bo e le baipolai ba ba sa lelelweng, ka jaana puso e tlaa retelelwa ke go reka dithoto le ditirelo tsa bone, mme ba felele ba tsaya bagwebi kwa ntle ga metse ya bone. O ne gape a rotloetsa banni ba motse go tlhokomela dithoto tse ba di filweng go ka ba thusa go inamola mo lehumeng. A re mananeo ao, a ne a tlhamelwa go thusa banni ba metse e e kgakala le ditlamelo gore ba kgone go tlhabolola matshelo a bone. Ka jalo, o ne a ba gwetlha go tsaya mananeo ka tlhoafalo. O ne a tlatsa ka go re ba dirise lenaneo la SHHA, le gone gore ba thomamaisa gore ba romela tsotlhe tse di tlhokafalang le gone go obamela melao ya dituelo gore puso e tle e kgone go thusa ba bangwe. O tlhaloseditse batsadi fa ba tshwenngwa ke kwelo tlase ya maduo a bana mo kgaolong ya bone, ka jalo a gwetlha batsadi le ba-na-le seabe ka kakaretso go tsenya letsogo mo thutong ya bana. Mme Tlhage o ne gape a ba tsibosa ka dikgang tse a reng di golela pele tsa kgokgontsho ya bomme, bana gammogo le bone borre. O ne a gwetlha borre go nna ba ntsha ka tlhaa fa ba kgokgontshiwa kwa malwapeng le gone gore batsadi ba fokotse nnotagi ba tlhokomele malwapa. O ne a gwetlha batsadi go tlhomamisa gore ba godisetsa bana mo tikologong e e babalesegileng le gone gore borre ba ikgaphe mo go tlhakaneleng dikobo le basetsana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi. O ne a tlhalosa fa go itlhokomolosa molao go tlaa dira gore ba lelelwe ke ditshipi, mme ba felele ba ya go disa poo. economy_business_and_finance 3 Dikgwebo tse dipotlana di ka thusa go kabakanya itsholelo Mogolwane go tswa kwa lekalaneng la Local Enterprise Authority (LEA) kwa Kanye, Mme Martha Keikanetswe a re fa bagwebi ba ba botlana ba ka tlhoafalela go tlhama dikgwebo go ka thusa puso go kabakanya itsholelo. Mme Keikanetswe o buile jalo ka letsatsi la bagwebi ba ba botlana le go isa ditirelo kwa bathong le le neng le tshwerwe ke ba khansele-potlana ya Kanye kwa Molapowabojang bosheng. A re fa khansele-potlana ya Kanye e ka tshwara letsatsi le mo metseng ka go farologana, go ka tokafatsa le yone itsholelo ya metse ya go nna jalo ka jaana madi a a neng a ka tswa mo motseng jaanong ga a na go tswa. Mme Keikanetswe a re go ka thusa le bone bagwebi ka jaana banni ba metse ya bone ba tlaa bona dithoto segautshwane le go fa bagwebi sebaka sa go fana maele a kgwebo. A re letsatsi la bagwebi le botlhokwa mo bagwebing ba ba botlana. Mme Keikanetswe a re bagwebi ba fa ba ka tokafatsa dithoto tsa bone di ka gapa leitlho la moreki ka e bile go tswa goo- Lowe Motswana a itsege ka botswerere. O bile a re se se ka thusa puso go kabakanya itsholelo gore e seka ya wela tlase. A re se se ka diragala fela fa bagwebi ba ba ka tlhagafalela go tlhama dikgwebo. O ne a itsise bagwebi ba babotlana gore LEA e thusa bagwebi kwa ntle ga tuelo. Fa a amogela baeng, Kgosi Kedirile Letshabo wa Molapowabojang o ne a leboga ba khansele-potlana go bo ba isitse letsatsi la bagwebi kwa motsing wa gagwe. A re se se tlaa ruta batho ba motse kgwebo. Kgosi Letshabo a re go isa letsatsi la bagwebi kwa bathong go ka dira gore metse e itsege ka jaana metse mengwe e sa itsege. Kgosi o bile a kgothatsa batho go duela dikoloto tsa bone tsa lekgotla la Setswana. A re go lebega batho bangwe ba nyatsa lekgotla la Setswana ka jaana fa ba atlhotswe mo go lone ga ba ke ba duela. A re lekgotla la Molapowabojang le kolotwa P300 000. A re o eletsa gore maina a ba ba kolotang a ngaparisiwe mo difensetering. Kgosi Letshabo a re fa e le gore bangwe ke ba ba tlhokafetseng ba losika ba tlaa ya kwa kgotleng go phimola maina a bone. O boletse fa go na le molao o o letlang gore batho ba ba sa dueleng ba isiwe kgolegelong. E rile a bua ka maikaelelo a letsatsi, mogolwane go tswa kwa khanseleng-potlana ya Kanye, Mme Kamogelo Theetso a re maikaelelo ke go tla go rotloetsa bagwebi ba ba botlana ka go supa dithoto tse ba di dirang. Mme Theetso a re gape ba rotloetsa le bareki gore ba reke mo bagwebing ba ba mo metseng ya bone le gore bangwe ba anye maele mo go ba bangwe le gore ba emane nokeng. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Mpalawali o itumile wa tlase Monana mongwe wa mogwebi kwa Tatisiding, Rre Onkemetse Mpalawali, a re e re le ntswa a farafarilwe ke dikgwetlho di feta thapo tsa leselo, ga a na go nyema moko go fitlhelela maikaelelo le maikemisetso a gagwe go nna mogwebi wa popota a diragala Rre Mpalawali, yo a tlholegang kwa Sebina, o mo kgwebong ya go pecha dithaere. O tlhalositse fa gangwe le gape bagwebi ba na le gore fa ba welwa ke seru sa dikgwetlho ba tlelwe ke mogopolo wa go ikgogela morago mme kgwebo e felele e phutlhame. A re mokgwa oo o atile thata segolo bogolo mo bagwebing ba banana ba ba sa ntseng ba fatlhoga mo mererong ya tsa kgwebo. Rre Mpalawali, yo o dingwaga tse di masome a mararo le motso, o tlhalositse fa mo kgwebong ya gagwe a lebanwe ke dikgwetlho di akaretsa letlhoko la lefelo la madirelo ga mmogo le letlhoko la madi a a lekaneng go tlamela kgwebo ya gagwe ka ditsompelo tse di tlhokegang. A re go tlhoka lefelo la madirelo go mo kokonela thata ka jaana a tshwanelwa ke go hirisa koloi e e mo rwalelang dithoto go ya le go boa kwa thoko ga tsela ya Tonota/Francistown fa a direlang teng. O tladistse ka go tlhalosa fa go dira jalo go le turu fela thata e bile go mo itsa go dira dipoelo tse di nametsang. Zulu o supile fa a sale a tsene mo kgwebong e ka ngwaga wa 2012 morago ga gore a lemoge letlhoko le le ntsi la dikgwebo tse di pechang dithaere mo Tatisiding. O boletse fa ka nako eo bontsi jwa batho ba ne ba sokola go bona ditirelo tsa go pecha dithaere ka ne ba ne ba tshwanelwa ke go ya go di bona sekgele sa dikhilomithara di ka nna lesome le botlhano kwa toropong ya Francistown. “Ke ne ka itemogela fa go na le letlhoko la kgwebo ya go pecha dithaere mo Tatisiding mme ka seka ka ipona tsapa go dirisa sebaka seo le ntswa ke ne ke sena ditsompelo tse di lekaneng mme ka wa ke tsoga ka mo ke neng ke na le gone,”a bua jalo a tlhalosa fa go eteletsa lorato le gone go nna le maikaelelo mo go se a neng a eletsa go se dira e le gone go neng ga mo thusa go tswelela pele. A re le mo nakong eno go sa ntse go na le letlhoko leo ka e le ene fela a leng mo kgwebong e ya go pecha dithaere. Mme ke gone ka moo Rre Mpalawali a tlhalosang gore e re le ntswa a iphitlhela a lebanwe ke dikgwetlho tsa go nna jalo, a ikiteile sehuba go sa letlelela dikgwetlho tseo go phirimisa ditoro tsa gagwe tsa go nna mogwebi wa popota mo isagong. O tlhalositse fa a dira jalo ka go nna le lerato le le tseneletseng, a le pelotelele gape a na le maitlamo mo kgwebong ya gagwe. A re gape o tshwara bareki ba ditirelo tsa gagwe sentle e bile ditlhwatlhwa tsa gagwe ke tse di ba kgotsofatsang nako le nako. Rre Mpalawali o tlhalositse fa a lekile go iteka lesego go kopa dithuso tsa lenaneo la madi a banana go atolosa kgwebo ya gagwe. O tlhalositse fa sebe sa phiri e le gore o lopiwa dingwe tsa ditsompelo tse ene a ka se di diriseng mo kgwebong ya gagwe. Mme ka jalo Rre Mpalawali o ikuetse mo pusong gore e sekaseke tsela e go kanokiwang dikopo tsa banana tsa dikgwebo ka yone. A re o eletsa gore fa monana a na le keletso mo kgwebong epe fela mme e bile a na le botsipa mo go yone, a itse sentle ntle gore o tlhokana le eng go tswelela a thusiwa ka dilo tsa go nna jalo. A re nako kgolo ke eno e mo go yone letlhoko la ditiro le shenneng meno, mme ka jalo e le maikarabelo a bone e le banana go leka ka bojotlhe go iphataphatela gore kgabagare ba itepatepanye le dikgwetlho tsa botshelo. economy_business_and_finance 3 Maduo a bosupa ga a jese diwelang Banni ba Sesung mo kgaolong ya Borwa ba ikuetse ka maduo a lokwalo lwa bosupa a ba supileng fa a ba kokonela. Ba ntshitse matshwenyego a bone mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo, Rre Abram Kesupile bosheng. E rile a akgela mo phuthegong eo, Mme Boineelo Tshwaranang a re bana ba ba neng ba kwala ditlhatlhobo tseo ba fetile ka lekwalo la bone, la botlhano le la borataro ba sena morutabana wa tlhomamo. A re go le gantsi e bile bana bao ba ne ba rutwa ke baithaopi ba Tirelo Setshaba ka nako e e botlhokwa e ba kabong ba ne ba rutwa ke morutabana yo o rutetsweng tiro. A re selo seo se ne sa busetsa bana kwa morago go menagane. Mme Tswaranang o bile a tlhalosa fa bontsi jwa barutabana ba sekole seo gantsi ba a bo ba seyo ka dinako tsa dithuto ba dira ditiro tsa bone tsa selegae mme a kopa gore bana bao ba boelele lokwalo lwa bosupa go na le go feta fela, le gore barutabana bangwe ba fudusediwe kwa dikoleng di sele, selo se a tlhalositseng fa se ka dira pharologanyo. Mme Tswaranang a re bokamoso jwa bana bao bo a tlhobaetsa fa ba ka fetela kwa mophatong wa ntlha ka maduo a a ntseng jalo. E rile a ntsha la gagwe, Rre Tshegofatso Batlang yo le ene a neng a ngongoregela maduo ao, o ne a gwetlha batsadi go itshekatsheka go na le go supa barutabana ka monwana ba le bosi. A re batsadi bangwe ga ba kgathale ka thuto ya bana mo e bileng e setse e le mokgweleo wa barutabana fela, a ba a tlhalosa fa go dira jalo le gone go ka digela maduo tlase. Mme Olebetse Ratlou ene o ne a kopa sekole seo go tlhotlhomisa gore matsapa di a tsere kae le go batla tharabololo ya sennelaruri. Mo dikoleng tse di masome mabedi tsa kgaolo-potlana ya Moshupa, sekole seo se tsile se di goga kwa mogatleng ka phenyo ya masome a mabedi mo lekgolong. Bokhutlo education 4 Kgositamma o tshela le diphologolo Rre Kebiditswe Kgositamma wa kgotla ya Riverside kwa Maun yo o dingwaga tse di masome a matlhano le bosupa o agile lelwapa la gagwe mo letshitshing la noka ya Thamalakane a re go nna mo letshitshing la noka ga se kgwetlho mo go ene jaaka mongwe a ka akanya. Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng, Rre Kgositamma a re e re ka a le wa letso la Sekgalagadi o goletse mo ditlhaketlhakeng tsa dinoka tsa Okavango kwa Shakawe kwa a tlholegang teng mme o goletse mo diphologolong ka jalo seo se sa mo tshwenye ka e le tlholego ya gagwe. Rre Kgositamma o tlhalositse fa a kopanetse bonno le diphologolo di tshwana le dikubu, dikwena le dinoga di tshwana le tlhware le mekwepa tse di nnang mo nokeng e. A re diphologolo di tshwana le dikubu di kgona go tswa mo metsing di fula fa pele ga lelwapa la gagwe mme tse dingwe di felelela di tla gaufi le ntlo ya gagwe ka a sa agelela ka terata e kitlaneng. “Fa gogwe dikubu le dikwena di ikhutsa mo meriting e e mo lelwapeng la me mme fa ke sa di rumole ga di kake tsa nna bogale tsa ntshosetsa matshelo, ke faapaana le tsone fela jaaka ke faapana le batho,” ga bua Kgositamma. Kgositamma a re e re ka lephata la diphologolo le makagabisa naga le rotloetsa batho go tshela le diphologolo ke sengwe se se mo rotloetsang go nna ka kagiso le diphologolo tse a sa di lwantshe ka di tlisa bajanala mo lefatsheng leno. A re faesale a nna mo lelwapeng la gagwe ga gona sepe se a se senyeditsweng ke diphologolo tse mme o senyediwa fela ke batho ba ba mo thubelang ntlo fa a dule ba mo utswela. O tsweletse a supa fa go nna mo letshitshing la noka e e nnang e elela e, go le monate fela ka mo dipakeng tsa selemo fa go le mogote o nna mo botsididing jwa phefo e e fokang e tswa mo metsing. O ne a supa fa a ikaegile ka noka e ka a tshwara ditlhapi le go bapala tswii mo go yone. “Fa ke batla seshabo ke tsena mo nokeng ke tshwara ditlhapi, ga ke patelesege go tsamaya sekgala se se telele go di bona, ke di bapisitse fela fa,” ga bua Kgositamma. O tlhalositse fa go reetsa melodi ya dinonnyane go diga maikutlo ka ebile go sena medumo e e kalo ya dikoloi le metsamao ya batho e mentsi. O supile fa go na le tlhaelo ya metsi mo motseng wa Maun mme seo se sa mo tshwenye ka a ga metsi mo nokeng a bo a a bedisa go ka nowa le go dira ditiro tse dingwe tsa mo lwapeng. A re tshingwana ya gagwe ya merogo e nna e le tala mo marigeng ka a tsaya metsi mo nokeng go e nosetsa. O kaile fa mo selemong fa dipula di na, a lema mmidi le ntshe ka mmu o o ka fa thoko ga noka o nonne mme o siametse dijalo fela thata. BOKHUTLO society 9 Ba ngongoregela tiego ya dithuso Banni ba Makuta, Nswazwi le Timbi mo kgaolong potlana ya Tutume ba lela ka koporase ya metsi, e ba reng e diega go araba matshwenyego le boikuelo jwa bone. Ba boletse se, mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo ya Nkange Rre Edwin Batshu bosheng. Banni ba re, koporase ya metsi e bonya go thiba diphaephe tse di dutlang tse ba bolelang fa di dirile gore metse e fetoge makadiba. Ba supile fa ba sa itumelele tiego ya go gokela metsi mo malwapeng. Kwa Makuta le Nswazwi, banni ba kopile phatlalatso ya motlakase le metsi mo motseng gammogo le go bulwa ga dipompo tse di tswetsweng ke koporase ya metsi. Bangwe ba ne ba kopa gore koporase eo, e emisiwe ka go lebega e palelwa ke tiro. Mme Chenesani Babakisi wa Makuta a re, ba nwa metsi mo megobeng mme o swabile nko go feta molomo fa maloko a kereke nngwe a ne a bonwa a kolobetsa mo mogobeng o ba nwang mo go one. Mo go tse dingwe, balemi ba ne ba lela ka dinonyane tse di tlhasetseng masimo a bone, ba tlhalosa fa maiteko a ba lephata la temo a go bolaya dinonyane tseo, a ne a itaya sefololetse ka tshologelo ya tsone e le e e kwa godimo fela thata. Banni ba ngongoregile gape ka badirelapuso, ba ba nnang fela kwa diofising ba sa ise ditirelo kwa setshabeng go se tlhalosetsa ka mananeo a puso. Rre Kegakgametse Bakani wa Timbi o supile fa lekalana la poso le imelwa ke tiro, ka jalo seo se dira gore go nne mosuke le bonya go thusa setshaba. A re, go thapiwe badiri kwa posong go bo go atolosiwe dikago. Fa a araba mangwe a matshwenyego a bone, Rre Batshu o boletse fa puso e sena maikaelelo a go emisa koporase ya metsi go siela setshaba metsi, a re ba tlaa tshwanelwa ke gore ba dire tiro le go bona gore ba siela batho metsi sentle. A re badirelapuso ba tshwanetse ba ikitaya ka thupana gore ba ise ditlamelo kwa bathong. Fa a ba lekodisa ka tsa palamente e e fetileng, o ba tlhaloseditse ka melao mengwe jaaka wa tiriso ya mogala wa letheka le wa dithoto tsa banyalani. BOKHUTLO society 9 Khamphani ya Kalcon e abela baithuti ditilo le ditafole Mogokgo wa sekole se segolwane sa Ditsweletse Rre Nkarabang Nkarabang a re le ntswa lephata la thuto le itlamile go bona gore le dira gore mafelo a borutelo a nna a seemo se se siameng, se ga se kake sa kgonega fa go sena bana le seabe ba ba thusang. O buile jalo fa a amogela dimpho tsa ditilo di le masome a matlhano le ditafole le tsone di le masome a matlhano tse di neng di abelwa sekole seo ke Khamphani ya Kalcon ka Labone. Rre Nkarabang a re lephata la thuto le dule ka lenaneo la Adopt- A-School ka ngawga wa 2011 le maikaelelo a lone e leng go rotloetsa banaleseabe go nna le seabe mo thutong. Rre Nkarabang a re lenaneo le la Adopt-A-School le simolodisitswe go lebilwe seemo sa thuto e e bokowa e bile e wela tlase, mme tlhaelo ya ditlamelo le yone e na le seabe. A re ka Adopt-A-School, lephata la thuto le kgothatsa banaleseabe ka kakaretso go inaakanya le dikole ka bongwe ka bongwe ba di thusa ka fa ba ka kgonang ka teng, mo dilong tsotlhe tse sekole se nang le letlhoko mo go tsone. Rre Nkarabang o ne a tlhalosa matlhoki a bone, a a reng ke didirisiwa tsa thuto ka go farologana ga tsone, mochine o o ntsifatsang dipampiri, dibuka, dikhompiutara, dipaakanyo tsa sekole ka kakaretso le tse dingwe. E ne ya re a tlhalosa maikaelelo a bone, mogolwane wa Kompone ya Kalcon, Rre Stefan Herbst a re ke go thusa setshaba segolo jang dikole. Rre Herbst a re dikole ke tsone motheo wa tlhabololo ya lefatshe, a tlhalosa gore fa go sena thuto e e lolameng maiteko a go tlhabolola lefatshe a ka phutlhama. A re e rile fa ba sekole sa Ditsweletse ba kopa gore ba tsenye letsogo mo lenaneong la Adopt-A-School a lemoga gore go ya go fa kompone ya bone sebaka sa go nna le seabe mo go tlhabololeng thuto ya lefatshe leno. E rile fa a leboga, modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Ompabaletse Lerato a lebogela mpho a re o solofela gore bana ba tlaa e tshwara le go e dirisa sentle. BOKHUTLO education 4 Banni ba amogetse mogopolo Banni ba Mahalapye le Palla-road ba amogetse ka bongwe fela jwa pelo mogopolo wa ba lephata la metsi wa go agiwa ga phaephe e e tla bong e goga metsi go tswa kwa letamong la Dikgatlhong go ya kwa borwa jwa lefatshe leno. Ba amogetse mogopolo oo mo phuthegong e e neng e buisiwa ke bagolwane ba lephata la metsi ba ba neng ba tlhalosa fa masimo a batho bangwe ba Radisele, Mahalapye, Palla-road le Dibete gammogo le meraka a tla amiwa ke tiro eo. Ba tsweletse ba bolela fa maikaelelo a go dirwa ga tiro eo ele go rarabolola kgang ya go tlhaela ga metsi mo dikgaolong tse di mo borwa jwa lefatshe leno. Bagolwane bao ba re diphaephe tseo di tla goga metsi go nosa batho ba dikgaolo tsa Borolong, Ngwaketse, Lobatse, Moshupa, Kweneng, Kgatleng le metse mengwe ya kgaolo ya Shoshong jaaka Moralane le Mosolotshane. Ba tlhalositse fa maikaelelo a diphuthego tse ba di tshwarang ele go lekodisana le setshaba le go abelana megopolo ka ditlamorago tse di ka bakiwang ke tiro eo. Mongwe wa bagolwane bao, Rre Mosalagae o tlhalositse gore e tla re morago ga tiro eo, ba age phaephe e e tla gogang metsi kwa nokeng ya Chobe go dirisiwa ke balemi ba Pandamatenge, a e tla reng morago a nose batho ba dikgaolo tsa borwa. Fa ba tswa la bone, banni ba re ere ntswa ba amogela ditlhabololo tse di dirwang mo kgaolong ya bone, ba utlwisiwa botlhoko ke dikatso tse di kwa tlase tse puso e phimolang batho keledi ka tsone ka jaana ba sa kgone go itirela sepe ntswa lefatshe la bone le tserwe. Ba file sekai ka konteraka e e neng e dira tiro ya go tsenya dipompo tsa kgopo metsi a leswe kwa Mahalapye, e ba reng e ne ya thuba matlo, mangwe a ranyega mme ba sia ba sa duela batho ditshenyegelo tsa bone. Bokhutlo society 9 Tsela kgopo... Mme Cecilia Gojahile o sale a inaakantse le go gweba dingwaga tse di lesome le botlhano tse di fetileng mme le ka jeno o santse a tshwere ka thata. E ne ya re ka 2001 a tsaya tshwetso ya go nna mogwebi yo mmotlana a rekisa dimonamone morago ga gore a tlogele tiro ka a ne a sa kgotsofalele dituelo. A re le fa bangwe ba ne ba mo kgalela tshwetso e, o ne a sa kgobege marapo ka a ne a na le tebelopele ya se a se dirang, le gore o batla go goroga kae mo botshelong. A re o ne a tswelela ka go boloka dipoelo tse a neng a di bona fa a rekisa dimonamone go fitlhelela a kgona go reka mogala wa Phones For You, o o neng o tlwaelesegile ka go bidiwa ‘ntsenyetsa pula’. Mo nakong eo, e ne e se mongwe le mongwe yo o nang le mogala wa letheka, gape le tirelo ya ‘nzamela’ e se yo. Mme Gojahile, yo e leng monni wa Shoshong, a re mogala o o ne o na le dipoelo tse di kwa godimo mo kgwebo ya gagwe e neng ya tsholetsega, a bo a kgona go tlaleletsa ka go rekisa merogo a tswakantse le di-tswa tshimong jaaka dinawa. A re fa a sale a tsena mo kgwebong, letlhoko le tshokolo ke dilo tsa maloba, a tlatsa ka gore le fa tlhaelo e santse e le teng, kwa ga gagwe ga go nke go lalwa ka tlala, e bile le bana ba gagwe, ba mo nakong ya gompieno ba feditseng sekole, o kgona go ba tlhokomela ntle le bothata bope. Mo godimo ga moo o itheketse koloi e a e dirisang go rwala dithoto tsa gwebo. E re ka dikgwetlho di se ke di tlhokega mo kgwebong, Mme Gojahile o tlhalositse gore o ithutile gore fa o le mogwebi, o tshwanetse go itse gore diemo di a fetoga, ka jalo go botlhokwa go itepatepanya le tsone. A re kgwetlho e a e itemogelang gangwe le gape ke ya gore fa seemo sa loapi se fetoga, thekiso ya merogo e kgona go phutlhama fa mogwebi a sena kelelelo, a kaya gore khabetshe e kgona gore fa pula e na o itewa ke sefako, kgotsa ditamati di senyege fa mogote o le kwa godimo. A re kgwetlho e nngwe ke ya gore fa o simolola go rekisa, go ne go se na phadisayno mme mo nakong ya gompieno barekisi ba oketsegile, mo go rayang gore go na le phadisanyo. Le fa go ntse jalo, ga a tshwenyege thata ka o setse a na le botsalano le bareki ba ba mo emang nokeng ka dinako tsotlhe, a supa fa botsalano magareng ga moreki le mogwebi bo le botlhokwa go tiisa kgwebo. A re fa moreki a tshwarega sentle o ngoka bareki ba bangwe, go bo go tila manokonoko a phadisanyo, ka jalo a rotloetsa bagwebi go nna lorato le boikobo mo bareking go tiisa le go godisa dikgwebo tsa bone. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Kgosi Tshukudu o galala dipalo Kgosi wa Malotwana, Kgosi Robert Tshukudu a re ga a itumedisiwe ke ka fa banni ba motse oo ba sa tseneleleng ditiro tsa kgotla ka teng ka ba tla ka boutsana. Kgosi Tshukudu o buile jaana kwa Malotwana fa ofisi ya ga molaodi e ne e tshwere letsatsi la go tsisa ditlamelo kwa bathong bosheng. Kgosi Tshukudu a re o ne a solofetse palo e ntsi ya batho go tla go kopa dithuso mo maphateng a a farologaneng mme o swabile nko go feta molomo. Kgosi Tshukudu o ne a gwetlha morafe wa Malotwana go dirisa sebaka se ba se filweng, le gore ba botse ba maphata ka ditlamelo tse ba tlang ka tsone. O ne a rotloetsa morafe go nna le seabe ka go tsenelela diphuthego tsa mofuta o, ka ditlamelo le thuto di a bo di tsisitswe gaufi le bone gore ba di dirise. A re maphata a a tsisitseng ditlamelo mo motseng a thusitse ka se se tsile go solegela banni molemo ka ba tsile go fokotsa mosepele le dituelo go di latela kwa Mochudi. Mogolwane wa tsa ditlhabololo mo ofising ya ga molaodi ya Kgatleng, Mme Sesha Kontle o ne a nankola fa kgang ya letsatsi e le go tla go ruta setshaba ka maphata a a farologaneng a puso le a a ikemetseng. A re puso e rotloetsa dikgaolo go isa ditlamelo kwa metseng e e kgakala mme ba bona go le maleba go tla mo Malotwana. Mme Kontle a re go tsisa ditlamelo mo banning ba ba kwa magaeng go fokoletsa banni mosepele le dituelo tsa go latela ditlamelo kwa metseng e e tshwanang le Mochudi e e nang le ditlamelo ka go farologana. O rotloeditse banni ba Malotwana go dirisa monyetla o ba o filweng ka go tsisediwa ditlamelo. Mme Kontle o ne a leboga go nna teng ga maphata a a ikemetseng ka nosi a a akaretsang Local Enterprise Authority le BotswanaPost, a re se se supa fa ba batla go ruta Batswana ka ditlamelo tse ba nang le tsone. A re se maphata a se dirang ke go supa fa ba kgathala ka go thusa morafe le go itse ka matshwenyego a bone. Moemedi wa BotswanaPost, Mme Tsholofelo Kealebale a re ba bone go le maleba go dirisa monyetla o go tsisa ditlamelo tsa bone kwa morafeng. A re monyetla o, o ba bereketse ka ba kgonne go ruta banni ka ditlamelo tse ba di fang Batswana kwa posong. Mokhanselara wa Ntshinoge, Rre Thabo Komane o ne a leboga botlhe ba ba tsereng karolo mo letsatsing la go tsisa ditlamelo mo Malotwana mme a re se se tshwanetse go iteelwa legofi. O ne a gwetlha banana go akola ditlamelo tse a re ba ithute ka maphata ka ba tsiseditswe thuto e e sa duelelweng. BOKHUTLO politics 7 Kgagaripa o bapatsa Botswana Sekgantshwane sa dikhwaere Rre Gaone Kgatsele yo o itsegeng ka leina la Kgagaripa mo go tsa moopelo, o buile gore mangwe a maikaelelo a gagwe ke go bapatsa Botswana le mmino wa setso. Rre Kgaripa a re ka jalo e tlaa re ka Moranang a ye go diragatsa kwa Afrika Borwa kwa moletlong wa 1 A re gape o ya go diragatsa kwa moletlong wa ngwao kwa Lesotho. Mo potsolotsong le A re le kwa sekoleng o ne a le mo mekgatlhong ya mmino le kopelo mme e rile morago ga go fetsa mophato wa botlhano, a lemoga fa a na le bokgoni jwa dikoma. A re o ne a seka a ipona tsapa mme a diragatsa talente ya gagwe. Rre Kgagaripa o tlhalositse gore o ne a binela sekgantshwane sa mmino wa setso Ditiro Leero. “Ke ithutile go le gontsi mo go ene, thotloetso ya gagwe e ne ya nkgwetlha gore ke ikemele ka dinao, ke dirise bokgoni jwa me go itsenya dijo ganong ka ke ne ke sa dira sentle mo dithutong. Ke ne ka lemoga gore fa o batla go diragtsa toro ya gago mo botshelong, o tshwanetse go tsaya tshwetso nako e sale teng e sere gongwe wa thanya lo le tsebeng,” a tshwaela jalo. O tlhalositse gore o ne a binela gape setlhopha sa borankana sa Tsosa Ngwao sebakanya mme a se tlogela a ikemela ka nosi. Ka 2014, Rre Kgagaripa o ne a ntsha kgatiso ya ntlha e e bidiwang A re dipina tse tsotlhe di bua ka botshelo. O tlhalosa fa O tlhalositse gore pina e e gatelela tshomarelo di-tsa tlholego gore dikokomane di di fitlhela. “ Go botlhokwa go itse fa bangwe e le bafeti le tsela fa bangwe e le ditsala tsa sennela ruri tse di ka go isang golo gongwe. Ka jalo ke gwetlha banana go tlhopha ditsala tsa nnete gore ba seka ba tshwana le nna ba phuaganngwa ke ditsala fa go nna botlhoko.” Kgagaripa a re kgatiso eo e ne e kwalwa ke ene a e tshwaraganetse le Katlego Tau yo o itsegeng ka leina la Kalahari, ya gatisiwa ke Rre Bullet Ketshabile kwa Bullet Music Production mo Gaborone. Sekgantshwane se, se e leng moruti wa kereke ya The Heroes of God Apostolic, se tlhalositse gore kgatiso eo e ne ya gasama lefatshe ka bophara, Batswana ba supa fa ba kgatlhegela kopelo ya gagwe mme seo sa mo tiisa moko. E rile ka 2016, a ntsha kgatiso ya bobedi ya Kgatiso eo yone e ne e bua ka matlhotlhapelo a a diragalang kwa Mmathethe ka ntata ya semorafe. A re bontsi jwa dipina mo kgatisong eo di kgothatsa banni ba motse oo go itse fa Modimo e le ene tharabololo ya sengwe le sengwe le gore semorafe se tsisa dintwa le tshenyo. Rre Kgagaripa a re o akgolela Rre Ketshabile go nna mongwe wa barotloetsi le bakgothatsi ba gagwe. “Ke kgonne go itirela dilo di le mmalwa mo botshelong. Ke na le setsha le koloi ka ntlha ya dikoma. Ka jalo ke rotloetsa banana ba ba nang le bokgoni jwa kopelo go itse fa kopelo e ka nowa moro fa motho a na le maikaelelo le maikemisetso a phenyo,” a tlhalosa jalo. arts_culture_entertainment_and_media 0 Bomme ba kopiwa go rotloetsa borre go dira loaro Bomme ba kopilwe go rotloetsa Borre go dira loaro lolo babalesegileng go fokotsa kgonagalo ya go tsenwa ke mogare wa HIV le malwetse aa farologaneng a tlhakanelo dikobo. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng morago ga go tshwara bokopano jwa Moonlight bo rulagantswe ke ba motshameko wa Makgabaneng kwa kgotleng ya Lotlhakane East, moeteledipele wa wa Makgabaneng, Mme Lere Basupang a re go dira loaro lolo babalesegileng ga go tswele borre mosola ba le nosi ka go thusa le bomme go hema go amiwa ke kankere ya molomo wa popelo . Mme Basupang a re e le ba motshameko wa Makgabaneng ba ikgolagantse le ba lephata la botsogo le Boitekanelo go gasa molaetsa wa botlhokwa jwa go dira loaro lolo babalesegileng kwa setshabeng. A re lekalana la bone le itebagantseng le go fetola boitshwaro jwa batho ka go dirisa metshameko e ereng fa motho a e reeditse o kgone go e amanya le botshelo jwa malatsi otlhe, ka jalo go nne motlhofoo go amogela molaetsa. Mme Basupang a re ba tlhopha setlhogo sa molaetsa ba labile tse di diragalang tsatsi le letsatsi mo matshelong a batho ka jalo ba tlhophile setlhogo sa loaro lolo babalesegileng la borre gore ba rute banni ba Lotlhakane East ka bomosola jwa go dira loaro lo. A re ba golagane le puso maikaelelo e le go thusa puso go anamisa molaetsa ka botlhokwa jwa go dira loaro lolo babalesegileng mo botshelong jwa ga mme le rre. A re ba dirisa badiragatsi ba ba tumileng ba motshameko wa Makgabaneng jaaka Brahman go rotloetsa bagolo go dira loaro lolo babalesegileng le ba banana jaaka Ditiro go thusa go kgothatsa banana go dira loaro lo. A re ba itlamile go dira ka natla go fitlhelela borre le bomme ka go tsena ntlo le ntlwana, ba ba reedisa motshameko wa bone mme e re morago ba buisane le bone ka ga motshameko oo. A supa gape fa ba tshwara dithupeetso (roadshows) ko ba diragatsang teng, ga mmogo le go tshwara dipuisano tse di itsegeng ka Moonlight ko ba phutlhang morafhe go tsaa dikgang maitseboa go goditswe molelo. Mme Basupang a re go dirwa ga loaro lwa borre ke selo se se tswang bogologolong se dirwa, a tlatsa ka gore dipatlisiso di supa fa lo fokotsa kgonagalo ya go tsenwa ke mogare ka selekano sa masome a marataro mo lekgolong. O akgotse borre baba tsereng tshwetso ya go dira loaro loo le bomme ba bone go ba ema nokeng le go isa bana ba basimne go dira loaro. O ne a kopa Batswana go ba amogela fa bale mo metseng ya bone le go tsaya dithuto tse ba di ba isetsang ka tlhwaafalo ka dika tsisa phetogo mo matshelong a bone, mme a go kopa borre ba iseng ba dire loaro go tsaa ditshwetso tse di maleba go dira loaro go babalela matshelo a bone. Mongwe wa badiragatsi Rre Raymond Gaobakwe yoo itsegeng ka leina la Brahman mo motshamekong wa Makgabaneng a re batswa kgakala ba ruta Batswana ka bolwetsi jwa HIV, boitshwaro ba remeletse mo tlhakanelong dikobo a tlhalosa fa rola kepese e leka go fokotsa kanamo ya bolwetse. A re ba isa molaetsa kwa setshabeng ka seromamowa sa Botswana go tsibosa ka botlhokwa jwa go kganela malwetsi a tlhakanelo dikobo le borai jwa one ka ba bone gore seromowa se aname le lefatshe lotlhe. O tlhalositse fa ene yare mo tsamaong ya nako ba bona go le botlhokwa go gatisa motshameko wa bone ka setshwantsho sa motshikhinyego se se bidiwang Mareledi ka maikaelelo a go kaela Batswana motshameko gore ba o bone ka matlho. Bokhutlo health 6 Emisang go rekisetsa bana nnotagi - Kgosi Kgosi Tumelo Puleng wa Letlhakeng kwa kgaolong ya Kweneng a re o tshwennngwa ke batsadi ba ba rekisetsang bana nnotagi. Mo potsolotsong, Kgosi Puleng o tlhalositse fa a lemogile gore batsadi bangwe ba rekisetsa bana dinotagi mo sephiring. A re batsadi bao ba eteleditse madi kwa pele mme seo se dira gore ba lebale ka bokamoso jwa bana. O kaile fa go dirisa bana ka tsela e ntseng jalo go ba itaya tsebe e bile go ba dia go nna le tebelopele ya botshelo. A re gantsi bana ba ba fitlhelwang kwa marekisetsomg a majalwa a setswana o fitlhela ba le dingwaga tse di kwa tlase thata. O tsweletse ka go tlhalosa fa bangwe ba bana bao ba tlogetse dikole ba beile matshelo a bone mo go phakeleleng kwa dipotong. Kgosi Puleng o ne a kgala bagwebi ba majalwa ao e bile e le batsadi mme ba palelwa ke go dira se se tshwanetseng go dirwa ke motsadi a na le boikarabelo. A re bagwebi bao ba phutlhamisa ditoro tsa bana e bile ba dira gore ba felele ba amega mo ditiragalong tsa borukutlhi morago ga go ba siela dinotagi tseo ka ba santse ba sena maikarabelo a go itshetlela. O ne a supa batsadi ba bana bao ka monwana a tlhalosa fa e le bone ba neelang bana madi ntswa ba itse gore ba ya go a dirisa go reka dinotagi. Kgosi Puleng o supile fa se se utlwisang botlhoko e le go bona motsadi a rekisa leruo la gagwe la bofelo gore a tle a neele ngwana madi a bojalwa A re batsadi ba mofuta oo ga bana boikarabelo e bile ba senyetsa bana ba bone isago le ntswa ba tsaya gore ba ba fa lerato. Kgosi a re batsadi ba tshwanetse go fetoga go nna sekao mo baneng ba bone. O kaile fa e le tshwanelo ya motsadi mongwe le mongwe go kgapha ngwana mo dinotaging ka di le borai thata. O ne a tsibosa bagwebi ba bojalwa gore go rekisetsa ngwana yo ka fa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi dinotagi e le molato o motona o o ka ba tsenyang mo kgolegelong. A re se se tshwenyang gape ke gore bagwebi bao ga ba sale nako ya thekiso e e dumalanweng ke molao morago. O tlhalosa fa bagwebi bao fa ba ka tswelela ka go tlola molao le go rekisetsa bana dinotagi ba tla tseelwa dikgato tse di maleba. A re monni mongwe le mongwe o tshwanetse go nna lepodisi la motse ka go itsese ba kgotla kgotsa ba sepodising ka bagwebi bao. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Molepolole o itebaganya le botlhoka tsebe Kgosi Moala Gaerupe wa Salajwe kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng a re o tshwengwa ke gore banni bangwe ba santseng ba tsaya dikgang tsa kgokgontsho motlhofo. O buile mo potsolotsong fa dikgang tsa kgokgontsho di kekela kwa motseng wa gagwe. O supile fa gantsi bomme ba itewa ke borre ba ba nnang le bone mme selo se sesa siamela botsogo jwa bone. Kgosi o supile fa gantsi dikiteo tse di diragala fa gare ga baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana. O ne a kaya fa go le botlhokwa gore banni ba rutiwe thata fa dikgang tsa kgokgontsho di ama matshelo a bone. Kgosi Gaerupe o kaile fa motho mongwe le mongwe a tshwanetse go tshela ka phuthologo le kagiso ka jalo dikgang tsa kgokgontsho ka kakaretso di sa tshwanela go bewa sebete ke ope. O supile fa go nna mmogo ga batho ba sa nyalana go sa siama a supa fa go le thata go ka rarabolola dikgang tsa boswa fa yo mongwe a setse a tlhokafetse. Kgosi Gaerupe o tsweletse ka go tlhalosa fa mo go lekeng go rarabolola dikgang tsa batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana, a ne a ntsha mogopolo wa go laletsa mokgatlho wa Re-a-Nyalana go leka go thusa ba ba batlang go tsena mo lenyalong semmuso. O ne a supa fa dikgang tsa botlhoka tsebe le go nwa bojalwa phetelela di tshwenya thata kwa motseng wa gagwe. A re dinako tse di beilweng tsa majalwa aa direlwang mo malwapeng ga di obamelwe mo o kgonang go rakana le motho a le mo sediding go sale moso. O supile fa dikgang tsa go dirisa matlhapa le tsa dikiteo di tswenya thata mo motseng wa bone. Kgosi Gaerupe o ne a akgola lenaneo la go lwantsha borukutlhi jwa leruo la kgomo-khumo a kaya fa le dirile pharologanyo ka dikgang tsa bogodu jwa di fokotsega. O kaile fa ene ya re ngwaga ono o simolola atlholela mongwe yo o neng a tshwenya ka go tlhaba leruo la batho a le ja mo kgaolong kgolegelo, a supa fa nako eo dikatlholo tsa molato wa leruo di ne di ise di okekediwe ka jalo modira molato a ne a atlholelwa dingwaga tse tlhano mo kgolegelong. A re motse wa gagwe o gola ka dipalo tse di kwa godimo ebile dipalo tsa banni di tsamaela ko go tshwareng dikete tse nne, mme go sa lekana go bo ba na le mapodisi a mararo a bomme a direlang mo motseng. O supile fa mapodisi ba lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la koloi mme go nna dingalo go tsibogela dikgang tsa tshoganyetso. O ne a supa fa ofisi ya kgotla le yone e le nnye mme ba eletsa e ka katolosiwa le go thusiwa ka didirisiwa di tshwana ditilo le ditafole tsa ofisi. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Bolokang mekwalo - mmaboipelego Mmaboipelego wa Mogobane, Mme Salome Grootlop o kopile bagwebi ba ba botlana ba dijo ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma, go boloka mekwalo ya dikgwebo tsa bone gore ba tle ba lemoge fa dikgwebo tsa bone di gola kana di latlhegelwa. E rile a bua kwa thuto puisanong ya malatsi a mabedi, e e neng e tshwaretswe kwa Ramotswa bosheng, Mme Gotlop a re mogwebi o tshwanetse go supa ka mokwalo o o papametseng gore o rekisitse eng, o dirisitse bokae go reka dilwana tsa kgwebo le go thapa sepalamo se se mo thusang go rwala dilwana gammogo le gone go supa gore o dirile bokae letsatsi le letsatsi. A re go dira jalo, go ka dira gore mogwebi a lemoge gore a o dira dipoelo kgotsa o a latlhegelwa. O boletse gape fa mogwebi a tshwanetse go ithuta gore bareki ba gagwe ba kgatlhegela eng, ba reka jang ka dinako tse di ntse jang. Mme Gotlop o tlhalositse gape fa bareki, ba na le go kgatlhegela go reka kwa mafelong a mangwe fa kgwedi e fedile, dira ditatlhegelo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Tlhaelo ya didirisiwa e kgoreletsa ditirelo Badiredi ba lephata la botsogo mo Boteti ba akgoletswe go tswelela ba dira tiro ya bone ka manontlhotlho le fa go na le dikgwetlho tse di ba emeng pele. Mokwaledi wa lephata la botsogo, Dr Kolaatamo Malefho o buile jalo bosheng fa a buisa diphuthegong tsa badiredi ba botsogo mo metseng ya kgaolo potlana ya Boteti ka go farologana a re go na le dikokelwana tse di sa gokelwang motlakase mme se se kgoreletsa fa go thusiwa balwetse bosigo. Dr Malefho a re sengwe sa tse di tshwenyang thata ke tlhaelo ya didirisiwa segolo bogolo dikoloi, mme se, se kgoreletse maeto a kgwedi le kgwedi go thusa batho ba ba nnang kwa merakeng le masimo. O supile gape gore tlhaelo ya dikoloi e gakatswa ke tiego ya go baakanya tse di senyegileng ke lephata la CTO. Le fa go ntse jalo, Dr Malefho a re lephata le tsweletse ka go dira maiteko a go tokafatsa seemo se, a supa fa go tserwe tshwetso ya gore dikoloi tsa lephata la botsogo di kgone go baakanngwa ke bomakheneke ba ba ikemetseng gore di kgone go boela mo tirisong ka bofefo. Dr Malefho a re mono ngwaga lephata la botsogo le rekile dikoloi tse di disha di le masome a supa le bosupa (77) le fa gone di ntse di sa lekana, a tlatsa ka gore mo ngwageng o o tlang wa madi ba ikaeletse go reka di le masome a roba bobedi le botlhano. A re le fa gone go na le mabaka a a papametseng a a kgoreletsang gore ba dire ka natla le go ntsha ditlamelo tsa tlhwatlhwa ka bofefo, o ba rotloetsa gore ba tswelele ka go itsolopanya ba dirisa bonyenyane jo ba nang le jone. Dr Malefho a re sengwe se se tshwenyang thata, ke gore setshaba se ngongorega ka gore badiredi ba botsogo ga ba na botho. “Bagaetsho go tlhoka botho ga bangwe badiredi ba botsogo, e santse e le kgwetlho e e ka bayang fa pele ga lona.” O ba kopile go ikitaa ka thupana, go gakolola bao ba ba duleng mo tseleng. A re o eletsa go utlwa ba akgolwa e seng ba kgalwa gotwe ga ba na botho a tlatsa ka gore sengwe sa dilo tse di sa kgotsofatseng ke gore ba thusa setshaba ka bonya. Dr Malefho o ba kopile go dira mananeo a a tlaa thusang gore ba kgone go ntsha ditlamelo ka bofefo le gone ka botho jo bo eletsegang. Mo loetong lwa gagwe mo kgaolong potlana ya Boteti, Dr Malefho a re go nametsa pelo go lemoga gore badiredi ba botsogo ba tshegeditse maitlamo a go thusa bagodi ba dingwaga tse di masome marataro le go feta. health 6 Toto o lela ka seemo sa mogare Kgaolo ya Kgalagadi ke nngwe ya dikgaolo tse di amilweng thata ke mogare wa HIV. Se se builwe ke mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre John Toto mo phuthegong ya kgotla kwa Omaweneno bosheng. O ne a supa fa seemo sa mogare kwa Kgalagadi se feta sa Botswana ka bophara. O tlhalositse fa seemo sa mogare mo kgaolong eo se tsamaya kwa go lesome le boferabongwe mo lekgolong fa sa Botswana jotlhe ka kakaretso sone se tsamaya kwa go lesome le boferabobedi mo lekgolong. A re dipalapalo di supa fa lefatshe leno le na le batho ba le palo potlana, e e ka abelelwang kwa didikadikeng tse pedi; mme mo go yone Kgalagadi fela a le nosi a na le batho bale 29 191 ba ba tshelang ka mogare wa HIV. Rre Toto o ne a tswelela ka go supa fa tota go utlwisa botlhoko gore e re fa go buiwa dikgang tsa HIV/AIDS, tlhakanelo dikobo e e sa sireletsegang le ditagi, go bo go umakiwa le bana ba dingwaga tse di tshwarang lesome. A re dipalo di supa fa bone mo lekgolong, jwa batho ba ba tshelang ka mogare wa HIV/AIDS, e le ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le botlhano le lesome le boferabongwe; lesome le bobedi mo lekgolong e le ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le masome a mabedi le bone; fa masome a mabedi le borataro mo lekgolong bone e le ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le botlhano le masome a mabedi le boferabongwe. Rre Toto o ne a tswelela ka go tlhalosa fa dipalo di supa fa bana ka bontsi ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le tse di lesome le boferabongwe ba tlhakanela dikobo la ntlha ba sa dirise itshireletso; fa ba bangwe ba na le bakapelo ba feta bongwe; bangwe bone ba tlhakanela dikobo bale ka fa tlase ga kgatelelo ya ditagi le go batla madi. O ne a rotloetsa batsadi fela thata, go bua le bana ka dikgang tsa HIV/AIDS le tlhakanelo dikobo. A re dipalo di supa fa bomme ba le masome mabedi mo lekgolong mo Botswana ka bophara ba tshela ka mogare e bile ba le 15 000 ba tsenwa ke mogare o mosha ngwaga le ngwaga. Rre Toto o ne a tswelela ka go tlhagisa fa se se sa reye gore borre bone ba dule ka tshoba la mogodu kana ga ba amiwe ke mogare; a bua jalo a tlhalosa ka fa borre ba sa itlhatlhobeng ka teng. Le fa go ntse jalo, o ne a gwetlha borre botlhe gore ba eme ka dinao go itlhatlhoba le go itse seemo sa bone, ba lese go itlhatlhoba ka bomme. A re se se ka thusa gore ba tseye ditshwetso tse di maleba le gore ba tle ba simolole go tsaya kalafi go sale nako. Rre Toto o ne a wela ka go kgala batsadi ba ba amogelang dithoto, dijo le madi, tse di tswang mo baneng le ntswa ba itse fa ba sa bereke. A re batsadi ba tshwanetse go tlhotlhomisa le go tlhomamisa gore dilwana di a bo di tswa kae; ka bana ba ka tswa ba di bone ka mekgwa e e ka bayang matshelo a bone mo diphatseng di tshwana le go tsenwa ke mogare wa HIV/AIDS. Bokhutlo health 6 Borre ba itsaya motlhala Kgosi Nkaelang Lekgoa wa Plateau mo Kasane a re letsatsi la borre le fa borre sebaka sa go itsaya motlhala go bona gore tsela ba e latlhile kae. E rile a bua mo segopotsong sa letsatsi la borre la kgaolo ya Chobe ka Labobedi, Kgosi Lekgoa a re borre ba tshwanelwa ke go rwala boikarabelo jwa go tlamela le go sireletsa malwapa a bone go balelwa le basadi. A re letsatsi la mafatshefatshe la borre maikaeleleo a lone ke go tlhomamisa botsogo jwa borre le bana ba basimane, go tokafatsa botsalano gareng ga borre le bomme le go rotloetsa tekatekanyo ya bong. O kopile borre go dirisa letsatsi le go ipelela seabe sa bone mo setshabeng, malwapa, manyalo le tlhokomelo ya bana. Kgosi Lekgoa a re bontsi jwa bana ba basimane ba tlhoka ba ba ka tsayang malebela mo go bone ka jaana selekanyo sa 55 mo lekgolong ya malwapa mo Botswana e eteletswe pele ke bomme. A re bana ba basimane ba ba godisiwang ke mme a le nosi ba tlhoka ene yo ba ka tsayang malebela mo go ene go sa kgathalesege gore maabone o ka tswa a na le boikarabelo jo bo kae mo go ba godiseng. A re dipatlisisiso di supa fa mosadi a le bonolo e bile a na le go tsewa ke maikutlo fa a lebagane ke dikgwetlho mme monna ene a le pelokgale e bile a le mashetla bogolo jang fa a raletse dikgwetlho. Kgosi Lekgoa a re ka dinako dingwe bana ba basimane ba ba godisiwang ke mme a le nosi ba felela ba amega mo borukutlhing. A re o akgola melao ya Botswana ka jaana e gatetse pele ka go rotloetsa borre gore ba nne le boikarabelo mo baneng ba bone. O file sekai sa gore melao eo ka dinako dingwe e kgona go fa monna tletla ya gore bana ba nne le ene e seng mmaabone. O gwetlhile borre go tsaya karolo mo go godiseng bana ba bone ka go tshameka le bone le go rotloetsa botsalano magareng ga bone ka jaana seo se ka thusa bana go gola ba itse botlhokwa jwa batsadi boo-babedi. Mogolwane wa boipelego mo khanseleng ya Chobe Rre Ogoditsemang Seleme o ne sedimosetsa batsena moletlo ka ditshwanelo tsa bana, a re ngwana mongwe le mongwe o tshwanetse go fiwa leina le le sa mo nyenyafatseng. Rre Seleme a re ke tshwanelo ya ngwana mongwe le mongwe go itse batsadi ba gagwe go sa kgathalesege gore a ba santse ba le mmogo kana ba kgaogane e bile a re batsadi bangwe ba tlola molao ka go lobela bana boraabone. A re go le gantsi batsadi bogolo jang ba bomme ba na le go itsa borabana go ba bona fa ba sa ba tlhokomele a re seo ke molato o motho a ka o atlholelwang toronko kana madi. Rre Seleme a re batsadi ga ba a tshwanela go tsenya bana mo dintweng tsa bone. A re se sengwe se ba se lemogang e le ba boipelego ke gore borre fa gongwe ba na le go re ba sola bomme ka go gana go supela ngwana fa a tshwanetse go tsaya leoto la kwa ntle ga lefatshe mme a re seo se utlwisa bana botlhoko. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa Chobe Community Rehabilatation Centre, Rre Mpho Sibanda o rotloeditse borre go nna dikao mo baneng ba basimane, a re go tlhoka go dira jalo go supa go tlhoka boikarabelo. O ne a supa fa a sa kgotsofalela tshologelo ya letsatsi leo a re o utlwisiwa botlhoko ke gore go le gantsi borre ba tshologela mediro e e senang mosola jaaka dino le kgwele ya dinao. E e ne e rile go le pele mothusa kgosi wa Plateau Kgosi Reuben Majeremane a re borre ba tshwanetse go itse gore ke sekao mo baneng, a re ba tlhomamise gore ba tshela botshelo jo bo eletsegang. A re bana go le gantsi ba kopa mo batsading ba bone mme ngwana yo o sa godisiwang sentle o felela le ene e nna mokgokgontshi mo isagong. Fa a ntsha malebo mokhanselara wa Plateau Rre Boitumelo Kanyetu o ne a kopa borre go tlogela go itsege ka ditiro tse di maswe jaaka go dirisa bana botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo le tse dingwe le go keteka baratiwa. O kopile mokgatlho wa Men’s Sector mo Chobe go ruta borre go ema kgatlhanong le kgokgontsho ya bong. Molaetsa wa letsatsi e ne e le Borre ba ba Bokao jo bo Siameng mo Setshabeng mme moletlo mogolo o ne o tshwaretswe kwa Selebi Phikwe. society 9 Go huduga ka tlhopho go ka senya kagiso Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a re fa Batswana ba ka neela phathi ya gagwe sebaka se sengwe sa go busa mo ditlhophong tsa mono ngwaga, puso ya gagwe e tlaa tlhomamisa gore palamente e tlhoma ka bofefo molao-kakanyetso o o tlaa kganelang mapalamente go huduga ka ditilo. Tautona Masisi o buile jaana mo phuthegong ya kgotla kwa Nata bosheng. A re seemo sa gompieno se mapalamente ba tlolang ka ditilo ba sena go tlhophiwa ga se a siamela puso ya batho ka batho. Seemo se go ya ka Tautona Dr Masisi ga se a siama ka jaana ba ba hudugang ba dira jalo e bile ntle le morero ope le batlhophi ba e leng bone ba ba rometseng kwa palamenteng go emela dikeletso tsa bone. Ka jalo Tautona Masisi o ne a kopa batlhophi go bua le bontlhopheng go itlama le gore ga ba na go huduga ka ditilo e bile ba tlaa rotloetsa go dirwa ga molao o o kganelang khuduga e, gore lefatshe la Botswana le tswelele le na le ledula e bile le kgatlha bagwebi go tla go bula dikgwebo mo go lone. “Ba boleleng fa lona le rata kagiso le thitibalo. Nna ka bo nna ke a itlama gore ga nkitla ke rotloetsa sepe se se ka kgotlelang kagiso, ditlhabololo le popagano tse lefatshe la rona di tumileng ka tsone. Tautona Dr Masisi a re ke ka moo e rileng a tlhongwa go nna tautona kgwedi ya Moranang e rogwa ngwaga o o fetileng, a seegela kwa thoko molawana wa tiriso ya motshine o o tlhophisang le ntswa molawana wa tiriso ya motshine wa go nna jalo o ne o dumalanwe ke mapalamente a phathi e e busang ga mmogo le ba kganetso. Mo go tse dingwe Tautona o ne a bolelela morafe wa Nata fa puso e a e eteletseng pele e ne ya seegela kwa thoko gape molao wa go sa letleleleng letsomo. A re tshwetso e, e ne ya tsewa morago ga therisanyo e e tseneletseng le Batswana. O ne a ikopa maitshwarelo mo Batswaneng a re go imisiwa ga letsomo mo go neng ga dirwa ntle le go rerisa setshaba e ne e le phoso ka tsamaiso le ngwao ya Setswana e le go dira dilo ka morero. A re tshwetso ya go seegela kwa thoko thulaganyo ya go kganela letsomo ke puso e a eteletseng pele ke karabo ya selelo sa Batswana ba a reng ba ne ba supa fa ba batla gore letsomo le nne teng, segolo jang mo mafelong a kgotlhang ya batho le diphologolo e ileng magoletsa. O boletse fa ba lephata la diphologolo ba tlaa dira dithulaganyo tsotlhe go tlhalosetsa setshaba ka letsomo le le tlaa bong le laolwa gore batho ba seka ba iphitlhela ba tshwere molato. A re Batswana ba tswa kgakala ba tlhokometse ditlhare, dimela le diphologolo tse di fitlhelwang mo go ene; selo se a reng se ne sa atisa diphologolo tsa naga mo dingwageng mme se sa baka kgotlhang ya batho le diphologolo. Mo go tse dingwe Tautona Masisi o ne a rurifaletsa baagi ba Nata fa puso e tlaa tswelela ka go ba tokafaletsa matshelo ka go lere ditlamelo tse di maleba jaaka metsi le ditsela. Moemela kgosi yo mogolwane wa Nata, Rre Letsogo Kgaswa o ne a leboga puso a re e supa tlhoafalo e e tseneletseng go tokafaletsa banni ba motse wa gagwe matshelo. A re go fediwa ga dikago di tshwana le tse di sa tswang go fela tsa lekalana la makgetho le go dirwa ga tsela ya Francistow-Nata e le dingwe tsa dikai tsa kgatelopele mo go tlhabololeng matshelo a batho ba motse oo. politics 7 Banni ba itumelela DailyNews Banni ba Mambo, Toteng le Botalaote mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba supile fa ba itumelela diphetogo tse di dirilweng ke lephata la dikitsiso go thapa batho ba ba tlaa ba tsisetsang pampiri ya dikgang ya DailyNews. Ba re diphetogo tse, di tlaa thusa go fetola matshelo a bone. Mo potsolotsong bosheng, Rre Saul Judge wa Mambo o tlhalositse fa jaanong bana ba bone ba tlaa seke ba sokole go batla ditiro ka bontsi jwa tsone di bapadiwa mo koranteng eo. O tladitse ka gore le bone jaanong ba tlaa itse ka tse di diragalang mo lefatsheng la bone, e tlaa seke e nne kitso ya ba ditoropo fela kgotsa ya ba metse e megolwane fela. Mongwe wa banana, Rre Keene Tlapeng o supile fa jaanong a tlaa emisa go dirisa matsana a gagwe a bofelo go latela koranta eo kwa Makaleng dikhilomithara di le supa go tswa mo go wa bone. A re o kgonne go batla tiro le sekole tse a di boneng bogautshwane mo pampiring ya DailyNews. “DailyNews ke pampiri e e botlhokwa fela thata e bile e re baya mo dinakong, re itumetse go bo le rona e sa re tlole , re e tlisediwa mo motseng wa rona, ”ga bua Rre Tlapeng. E rile a tswa la gagwe, mokwaledi wa kgosi ya Mambo, Mme Matilda Mbisana a tlhalosa fa jaanong le bone ba bona dikgang tse ba di tlhokang ka nako. A re dinako tse dingwe ba ne ba sa e bone gotlhelele, ba ne ba fitlhela e fedile kwa Makaleng ka jalo ba ne ba felela ba itlhoboga. O tladitse ka gore ga ba sa tlhole ba utlwa dikgang ka podi ya tsela ka le bone ba di itseela ka tlhamalalo e bile ka nako. O akgotse puso go bo e tsile ka phetogo eo go akanyetsa ba metse e e kgakala le ditlamelo. Go ya ka Kgosi Obey Toteng wa Toteng, e re le ntswa pampiri eo e goroga morago ga nako, ba itumelela go bo jaanong ba sa tlolwe ke dikgang ka bontsi jwa bone ba sena dithelebishene go bona tse di diragalang mo lefatsheng la bone. A re ba ntse ba pagama ka madi go latela pampiri eo kwa Masunga kana Makaleng. Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Toteng, Mme Kebonang Oatlhotse, o supile fa dibeke di ne di kgona go feta ba sa itse gore go diragala eng kae fa e se fela fa ba ile Makaleng. A re ba ne ba sokola go bona pampiri eo e bile ba ne ba tlelwa ke mowa wa boitlhobogo gore gotlhelele pampiri eo ga e a direlwa bone ba metseselegae. Rre Omphemetse Smarts go tswa kwa Botalaote ene o supile fa e le maiteko a mantle a a dirilweng ke puso segolo jang ka bone banana ba lebanwe ke letlhoko le letona la letlhoko la ditiro. A re jaanong ba tlaa kgona go selasela ditiro tse di bapadiwang mo go yone ka e bile bangwe ba bone ba ne ba le boitseme go e latela kwa metseng ya Masunga le Makaleng. A re ba ne ba setse ba feletswe ke madi a go pagama ba latela pampiri eo kgakala. Bangwe ba ba thapilweng go isa pampiri eo, le bone ba supile fa jaanong matshelo a bone a phatsima ka ba sa tlhole ba lala ka tlala. Rre Elliot Ngoma yo ene a thapilweng go isa pampiri eo kwa Mambo o tlhalositse fa jaanong a kgona go duela metsi le motlakase sentle ka madi a a a bonang mo tirong eo. society 9 Kitso ya dikhomputara e botlhokwa Mokwaledi wa ofisi ya mopalamente wa Tswapong Borwa, Rre Hope Letsatsi a re go dirisa dikhomputara ke nngwe ya mekgwa e e tlwaelesegileng thata mo malatsing ano. O buile jalo kwa metseng ya Maape le Moshopha kwa dikole tse dipotlana tsa Mophaneng le Moshopha di neng di abelwa dikhomputara ke ba mokgatlho wa sesole sa Botswana wa golf bosheng. A re mo malatsing a gompieno dikhomputara ga se sengwe sa go supa fa go a bo go gatetswe pele mo go tsa setegeniki mme ke tsela nngwe e setshaba se e dirisang mo go tsa thuto, ditlhabololo le papadi. Rre Letsatsi yo o neng a bua mo boemong jwa mopalamente wa Tswapong bokone yo e bileng e le mothusa tona wa temo thuo Rre Oreeditse Molebatsi a re, lephata la thuto le simolodisitse dithuto tsa dikhomputara mo dikoleng tse dipotlana mo lefatsheng leno go ruta baithuti ka botlhokwa jwa dikhomputara le tiriso ya tsone e e ka tokafatsang maduo ya bo ya dira tiro motlhofo. Rre Letsatsi a re go simololwa ga dithuto tse mo dikoleng tse dipotlana, ga se go ntsha bo mankge ba tsone mme ke go ba fa dikitso le boitseanape jo bo tla a ba thusang mo dithutong tsa bone ka kakaretso. O tsweletse a re dithuto tse di tla a thusa baithuti go nna le kitso e ba tla e dirisang mo matshelong a bone a tsatsi le letsatsi. O tsweletse a re lenaneo le la go ruta bana dikhomphutara kwa dikoleng tse dipotlana ga le felele fela koo mme ke thulaganyo e e tla a tswelelang kwa dikoleng tse dikgolwane go tsenelela mo botshelong jotlhe jwa moithuti. A re lenaneo la thuto la go ruta baithuti ka tiriso ya dikhomputara le itebagantse le go ntsha Batswana mo mekgweng ya segologolo ya go dira mme la ba tsenya mo go ya segompieno ya go dira ka maranyane. A re dikgwebo tse ditona le itsholelo ya lefatshe ka bophara di dirisa maranyane a dirisang dikhomputara go sekaseka le go isa molaetsa o e leng wa nnete e bile o amogelesega kwa go tshwanetseng. Rre Letsatsi a re go fa baithuti dikitso ka dikhomputara le maranyane go tla ba fa lesedi la tsone le go dira tshaba le babereki ba isago go nna mo seemong se se siameng sa go dirisa botegeniki jwa dikhomputara. Fa a rola dikhomputara tseo, Colonel Tebo Dikole go tswa kwa sesoleng sa Botswana o boletse fa e le ba sesole ba dumela mo go direng ka setlhopha. A re ba itlamile go kopana le maphata a mangwe mme ba tsweledisa matshego a lefatshe leno a 2016. A re sesole sa Botswana ngwaga le ngwaga se dikologa le lefatshe leno se dira meletlo ya mmino mme se felele se abela setshaba madi a se a dirileng. O tsweletse a re ba motshameko wa golf ba bone go tshwanelwa gore le bone ba nne le se ba se direlang setshaba. O rotloeditse ba metshameko e e farologaneng go tsaya malebela mo go se se dirilweng ke ba mokgatlho wa golf. Mogokgo wa sekole sa Moshopha Mme Shasha Solotate o lebogetse dimpho tsa dikhomputara a bolela fa ba tla a di dirisa ka fa tshwanelong. BOKHUTLO education 4 Mantshwabisi o saletse morago Go kaiwa fa batho ba motse wa Mantshwabisi mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba saletse kwa morago mo mananeong a nyeletso lehuma. Ngongora eo e ntshitswe ke kgosi ya motse o Kgosi Dikaelo Tsiang mo puisanong le bobegadikgang bosheng. Kgosi Tsiang o supile fa a ngongoriswa thata ke ka fa morafe wa gagwe o sa akoleng ka teng mananeo a nyeletso lehuma a tshwana le la go lema masingwana a merogo mo malwapeng, le la banana la Youth Empowerment Scheme. O tlhalositse fa bontsi jwa baagi ba sa atlege mo ikopelong mananeo ao, mme a re seemo seo se bakwa ke gore gantsi morafe ga o tlhaloganye tsamaiso ya go ikopela mananeo, mo a reng go felela go ba kgoba marapo go iteka lesego. Kgosi Tsiang o ne gape a ntsha ngongora ya gore letlhoko la metsi le baya morafe ka fa mosing, ka bontsi jwa one bo kgatlhegela mananeo a thuo. A re go nna thata ka gore ba tshwanelwa ke gore ba bo ba na le metsi a ba tlaa a sielang loruo mme go pale ka ntlha ya go tlhoka didiba. O tsweletse a bolela fa letlhoko la metsi le na le seabe gape mo go sa lemeng masingwana a merogo mo malwapeng. Kgosi Tsiang o ntshitse matshwenyego a go tlhoka go etela motse wa gagwe ga badirela puso ba kgaolo potlana ya Letlhakeng, a re gantsi morafe o tshwanelwa ke go kopa dithuso kwa Letlhakeng mme a tlatsa ka gore go ne go ka nna molemo fa ba ne ba tshwaraganela tsela le bodiredi jwa puso. O kopile badirela puso go ne ba etela motse e le maphata a a farologanyeng go tshwara dithuto-puisano le go abelana dikitso le morafe gore ba tlhaloganye tsamaiso ya mananeo a puso mme ba kgone go a akola. Bokhutlo politics 7 Mosekisiwa o tlaa ipobola pele ga katlholo Mmakaseterata wa Kanye Rre Daniel Nkau o letleletse mosekisiwa go ya go kwala tshoboko ya dintlha tsa kgang ya gagwe pele ga lekgotla le ka tsaya tshwetso. Mosekisiwa, Rre Ernest Petros, wa dingwaga tse di masome a mabedi le bone wa kgotla ya Kgosing kwa Gasegwagwa, o lebisitswe molato wa go thubetsa. Dintlha tsa kgang di supa fa e rile kgwedi ya Phalane e tlhola gangwe ka 2015, a itseela dikobo ka dikgoka mo go mme mongwe ntle le tumalano kwa masimong a Diponyana go bapa le Gasegwagwa. Mo tshekong eo, ba bosekisi ba ne ba bitsa basupi ba le batlhano, fa mosekisiwa a ne a bitsa ba gagwe ba le babedi. Fa a soboka kgang ya bosekisi ka Laboraro, Inspector Thabologo Bojosi o ne a tlhalosetsa lekgotla fa bosupi jotlhe jo bo beilweng fa pele ga lekgotla bo lekane go bona mosekisiwa molato. A re go papametse gore mongongoregi o ne a kopana le mosekisiwa ka letsatsi la tiragalo mme e rile a mo kopa go boa a mo tshosetsa, ka jalo a tlamega go sala ditaelo tsa mosekisiwa morago. A re gape mongongoregi o ne a bolelela mmaagwe ka tiragalo e sena go diragala, yo o neng a begela mapodisi. Inspector Bojosi o ne a tswelela a tlhalosa gore bosupi jwa mosupi wa bone, Mme Tshoganetso Lebele, le jone bo supa fa a fitlhetse mosekisiwa le mongongoregi kwa morakeng wa gagwe mme mongongoregi a ne a supa a sa itumela morago ga tiragalo eo. Kwa bokhutlong, mmakaseterata o ne a laola gore mosekisiwa a iponatse gape fa pele ga lekgotla kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome mabedi le bosupa a tla ka mekwalo ya tshoboko. A re mosekisiwa a name a tshegeditswe kwa kgolegelong go fitlhellela kgang eo e tswelela gape. crime_law_and_justice 1 Bakgatla ba amogela ditlhabololo E re ka jaana kgaolong ya Kgatkeng e saletse ko morago mo ditlhabololo di tshwana marekisetso a matona le tse dingwe go lebega seemo se o se tla fetoga mo ngwageng wa 2015. E ne ya re go simolola ngwaga o o fetileng ga supega fa seemo se tla tokafala mo ngwageng wa gompieno ka jaana ditlhabololo di simolotse go tla ka monokela. E ne ya re ka Labone (Motsheganong 7) babeeletsi bangwe ba tshwara phuthego ya kgotla kwa kgotleng kgolo ya Mochudi go itsise Bakgatla ka maikaelelo a bone a go aga marekisetso a matona (shopping mall) le fa go tshelwang leokwane teng kwa Raserura mo Mochudi. E rile a rola tekodiso ka maikaelelo a go aga marekisetso ao, moemedi wa babeeletsi bao Rre Christian Phaladze go tswa ko komponeng ya CPM Architects a tlhalosa fa go le botlhokwa e bile e le tsamaiso ya puso go rerisana le sechaba fa go tla dikago tse ditona tse di tshwanang le marekisetso ao. A re marekietso ao a ya go lopa madi a a fetang P60 million mme a tla bo a na le dishopo di ka tshwara masome a mabedi le boferabobedi. Rre Phaladze a re dikago tse di solofetswe go tlhama ditiro mo bananeng ba kgaolo ya Kgatleng e bile le tsone dikopmpone tsa mo gae ditla bona ditiro fa marekisetso ao a simolola go agiwa. E rile Bakgatla ba ba kwa dikgaba ba supa fa basa bolo go nyorelwa ditlhabololo tsa mofuta oo e bile kgaolo ya bone e saletse kwa morago mo ditlhabololong. Rre Morake Ntshole a re go botlhokwa thata gore motse wa bone o bone tlhabologo ka go tsere sebaka go sena nko e tswang lemina. O ne a ntsha ngongora ya gore mo nakong e e fetileng ba solofeditswe dikago dingwe mme nako kgolo ke eno a laela kopone eo gore ba seka ba ba tshepisa go aga marekisetso ,mme ka moso ba tsene ka gareitse. E rile a mo tlatsa, Rre Ntsi e tala Mabodisa o ne a supa fa nako e tsile gore motse wa Mochudi o tshwane le metse e mengwe. O ne a kopa Bakgatla ka ene go letlelela tlhabologo eo go nna mo motseng wa bone mme a supa fa go le botlhokwa go seegela kwa tlhoko dikgang tse di sa iseng motse wa bone kwa pele mme ba letlelele dikago tsa marekisetso ao. Bakgatla ba ne ba nna mowa o le mongwefela gore a dikago tsa marekisetso ao di seka tsa diega jaaka bangwe ba setse ba dirile ka gore di ya go ba tswela mosola le gone go kgaola mosepele wa go latlela marekisetso kwa motse mogolo Gaborone. E re dikgang di eme jalo, go setse go agiwa marekisetso a mangwe kwa Pilane mme khansele ya Kgatleng le yone e mo tseleng ya go aga marekisetso a dishopo le maemelo a dipalamo fa gare ga Rasesa le Pilane. Sepatela sa Mochudi le sone se ya go agiwa ntlheng eo mme e bile go solofetswe gore mo tsamaong ya nako lephata la matlo la Botswana Housing Corporation le lone le age matlo a a tlileng go fetola tebego ya metse ya Morwa, Pilane le Bokaa. politics 7 Ba utswelana diterata tsa masimo Molemisi mogolo wa kgaolo ya borwa Botlhaba, Mme Monia Mfolwe, a re o tshwentswe ke seemo se mo go sone balemi bangwe mo kgaolong ya gagwe ba utswelanang diterata tsa ditshimo. Fa a buisa phuthego ya Balemi kwa Ramotswa Mopitlo a tlhola malatsi a le masome a mabedi le bone, Mme Mfolwe a re seemo se se ba ketefaletsa gore ba ka tswelela ba thusa balemi ba ba tlhokang go thusiwa ka terata le tse dingwe ka a re go kgoba marapo gore ba buelele batho. A re go direla batho diterata go dirwa lefatshe lotlhe mme mo go ketefalele puso go thusa batho botlhe, ke ka moo go felediwang go thusiwa palo e potlana go lebilwe gore maduo a ka tswa kae. A re gape bogodu bo baya ba bangwe mo mosing wa gore le bone ba ka akola dithuso dingwe mo pusong. Mme Mfolwe o gakolotse balemi go emisa tiragalo e ka jaana a re e dira gore bodiredi jwa ofisi ya temo-thuo bo nna maoto a tshupa fa ba tshwanetse go thusa ba bangwe ka jaana ba tsaya nako e ntsi ba seka dikgang tsa bogodu. O gakolola boeteledipele jwa dikomiti tsa balemi go kwala se go buisantsweng ka sone mo diphuthegong, go supa gore ka nnete ba kile ba nna le diphuthego le balemisi. A re go le gantsi maloko a dikomiti a palelwa ke go kwala dintlha tsa phuthego mme se se dire gore e nne e kare molemisi wa kgaolo ga a ke a buisa diphuthego. A re go botlhokwa gore ba gakololane ka dikitsiso tsa gore go ka dirwa jang go tsosolosa ditshupo tsa kgaolo ya Borwa Botlhaba, ka jaana kgaolo e e saletse kwa morago thata mo ditshupong. O ne gape a re molaodi wa kgaolo eo o a eletsa e bile o ikemiseditse go thusa ka mo a nang le gone go leka go tsosolosa ditshupo tsa kgaolo gore le yone e itirele madi. O ne gape a gakolola balemi go ithekela manyena a dikgomo ka jaana puso e tsile mo seemong sa gore omang wa dikgomo wa Bolus o emisiwe. A re ba rutuntsha balemi-barui ka tiriso ya manyena a dikgomo. Fa ba tswa la bone, balemi ba ngongorega ka letsatsi, dinonyane le boraditerekere ba ba tlhalosang fa ba ba ja ntsoma. Ba tlhalositse fa mathata a matona e le a boraditerekere ba ba ba lemelang mme ba tlogele ba ise ba jale ba ya go lemela ba bangwe morago ba tloge ba boe masimo a setse a omeletse ba tla go jala. Balemi ba re ke sone se se bakileng gore ba dike ba sa bona thobo ka jaana masimo a bone a lemilwe a phaphaletse mme e bile go lemelwa mo godimo ga tlhaga. Motsholamadi wa komiti ya balemi, mme Cathrine Mosarwa wa masimo a Mogobane a re boraditerekere ga ba na nnete ka jaana ba kgona go tsaya dikgwedi tse tharo ba lemile mme ba sa tle go jwala. A re borre bao ga ba na sepe le gore ba lema mo go kgotsofatsang mme ba batla fela se e leng madi. A re le fa go ntse jalo, balemi ba seka ba ipusolosetsa ka go gana go saenela borre bao gore ba duelwe ka jaana go sa siama go itseela molao mo diatleng. Mme Mosarwa a re dilo ke go buisana. O ne gape a gakolola balemi gore ba netefatse gore ba tsaya boikarabelo jwa go nna teng fa ba lemelwa go bona gore ba direlwa ka bonatla le botswerere. A re keletso ke go bona balemi le boraditerekere ba thusana ka lorato. crime_law_and_justice 1 Ba kgothadiwa go lebogela Modimo malatsi a botshelo Batswana ba kopilwe gore ba seka ba kgaoganngwa ke ditlhopho ka seo se ka tlhakatlhakanya lefatshe leno. Mafoko a, a builwe ke mopalamente wa Letlhakeng/ Lephepe Rre Liakat Kablay fa a buisa phuthego kwa Botlhapatlou bosheng. Mopalamente o ba kopile gape go itshwarele ba ba ba foseditseng gore Modimo le ene a tle a ba itshwarele, a bo a ba kopa gape go lebogela Modimo dipula tse di neleng monongwaga. Mo go tse dingwe, o ba kopile gore ba seka ba felela Tautona Mokgweetsi Masisi pelo ka jaana ke gone a tsenang mo setilong, a supa maikaelelo a gagwe e le go tlhabolola lefatshe leno. O tlhalositse fa puso e tshwentswe ke maduo a thuto a a kwa tlase kwa dikoleng mme e ikaelela go fa lephata la thuto madi a mantsi le gone go tsenyetsa dikole tsa dikgaolo ditlamelo tse di bonwang kwa ditoropong. Mopalamente Kablay o supile fa ba lapisitswe ke bana ba ba tsenang dikole ba bo ba felela ba bereka Ipelegeng. O tlhalositse fa puso e batla go busetsa dikokelwana kwa khanseleng, a supa gape fa e le nnete ba na le mathata a dikoloi tse di rwalang balwetse ka jaana di tlhaela. O supile fa gape ba tlaa itebaganya le mathata a dipilisi tse di tlhaelang. Mopalamente o tlhalositse fa batho ba ba neng ba kopile lenaneo la nyeletso lehuma ba tlaa thusiwa mo kgaolong ya gagwe, a supa mananeo a go lemela balemi le la Ipelegeng a tlaa tswelela. O kopile borre go tlogela go kgokgontsha bomme ka go ba thubetsa, a bo a kopa gore le bana ba seka ba berekisiwa ditiro tse di bokete. Mopalamete Kablay o supile fa madi a ditlhabololo a dikgaolo ba dumalanye gore ditiro tsa teng di fiwe banana mme sebe sa phiri ke gore ba tlogela ditiro ba sa di fetsa. O kopile morafe wa Botlhapatlou go kopa ditiro tse di bonalang ka madi a ditlhabololo a dikgaolo a bo a ba kopa gore ba kope bogakolodi mo badirelapusong. Fa ba tswa la bone, banni ba Botlhapatlou ba ne ba supa kgang ya bone e tona e le tsela ya go tswa Hatsalatladi e ya Botlhapatlou, ba kopa gore e tshelwe sekontere. Ba supile fa ba batla sekole se ba saleng ba se solofetswa se segolwane kwa Ngware. Ba kopile gore ba-na-le boswafe ba fiwe ditlolo le digalase tsa matlho tse di nang le boleng. Ba kopile gore tiro ya Ipelegeng e fetolwe e nne tiro ya sennelaruri. Ba kopile gape gore ba letlelelwe go lema ba gasa ka jaana go le bofefo. Fa a ba araba, mopalamente Kablay o supile fa a nna a bua ka tsela ya Botlhapatlou kwa palamenteng, a bo a bolela fa puso e adimile P10 billion kwa China go tla go dira ditsela a bo a supa fa a letile gore a o tlaa fiwa serwe mo mading ao. O supile fa gape a beile pele Tautona sekole sa Ngware, a bo a supa fa puso e sa letlelele go lema go gasiwa. Ka kgang ya madi a a nyeletseng a puso, o supile fa dikgang tseo di le kwa kgotleng ya ditsheko le gone gore o tsere kgang ya ba-na-le boswafe le ya Ipelegeng mofago. politics 7 Tshwaragano e ka tiisa lekgotla - Toto Dikgosi di kopilwe go ema ka dinao gore lekgotla la bone la Dikgosi Association le nonofe. Mafoko a a builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi Borwa, Rre John Toto kwa bokopanong kwa dikgosi kwa Tsabong bosheng. Mopalamente o ne a supa fa lekgotla leo le le botlhokwa ka le ka rarabolola dikgang tse di nnang di tshabelela merafe tsa go lwela bogosi. O ne a kopa dikgosi go isa serodumo sa bogosi kwa godimo ka go itlotla pele ga ba tlotlwa ke morafe ka go supa boitswaro jo bo eletsegang mo setshabeng . Rre Toto o ne a tlhalosa fa tiro ya dikgosi e bonala ya go sekisa le go atlhola ga ditsheko, O supile fa masome a ferabobedi mo lekgolong ya ditsheko di sekwa mo makgotleng a bone a Setswana. O ne a kopa bookamedi mo lephateng la makgotla a Setswana go tsaya tiro ya bone tsia ka go ba tlhatlhelela le go nosetsa tiro ya bone ya bogosi ka nako tsotlhe ka se se ka ba thusa thata go dira ka maetsetseleko. Mopalamente o ne a kaya gape fa dikgosi di dira tiro e ntle ya go nyadisa ka magadi a ntshetswa kwa makgotleng a bone a Setswana , O ne a gwetlha lekgotla leo go bua ka lentswe le le lengwe ka pharologanyo ya ditlhwatlhwa tsa manyalo gore di tshwane go sa kgathelesege gore ke merafe efe. O ne a rotloetsa dikgosi go tlotla merafe ya bone le gone go nna le boikarabelo mo tirong ya bone ka dinako tsotlhe ka go bitsa diphuthego tsa kgotla go ithuna dinta ka dikgang tsa metse ya bone ka gape di ka thusa mo popaganong ya morafe. ‘’ A supa fa kgosi e le kgosi ka batho’’ Fa a bua ka maikaelelo a lekgotla leo Kgosi Johannes Olebile Motlhaetsi wa Zutshwa mokwaledi mo lekgotleng leo, O ne a supa fa e le go itsheka tsheka , go ipaakanya , go tsaya boikarabelo go kopana ka maikutlo le dikeletso le gone go tswa ka moono wa go bopa bogosi . Kgosi Motlhaetsi o ne a tswelela ka go tlhalosa fa lekgotla leo gape le tlaa bo le itebagantse le go thusa mo tsamaisong ee tshwanang ya bogosi bogakolodi le go thusana le ba baangwe le gore le tlaa thusa thata le itepatepanya le diphetogo tsa molao go o rerisana le go thusana go o tlhaloganya. O ne a gwetlha maloko a lekgotla leo go ema ka dinao ka go bereka mmogo gore lekgotla leo le tswelele le gone go ithuta molao wa bogosi gore ba tle ba dire tiro ya bone ka manontlhotlho. Kgosi Mbao Kahiko III motshwaramadi mo lekgotleng leo, o ne a kaya fa lekgotla leo le akaretsa mongwe le mongwe yo o dirang tiro ya bogosi e leng dikgosi le dikgosana mme a kopa batsena kopano eo go o tsaya tsia ka o ka ba tswela mosola. Mookamela lephata la makgotla a Setswana kgosi Tumelo Seboko o ne a tlhalosa fa go tswa goo lowe dikgosi di ne di na le seabe se sentsi sa go tlhokomela morafe ka go tlhomamisa gore go na le metsi le bonno jo bo siameng. Kgosi Seboko o kaile fa ka sone seabe se neng sa ba kgontsha go amogela bommishinari ba ba neng ba kgona go simolodisa go agiwa ga dikago tsa dikereke le dikole bogologolo mo lefatsheng leno. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa tiro ya konokono ya dikgosi e le go aga motho ka go nna le boitshwaro jo bo eletsegang, go nna le seabe mo ditlhabololong tsa motse wa bone , a supa fa ntlo ya dikgosi yone e na le tshwanelo ya go gakolola palamente ka molao wa bogosi . Mookamela lephata o ne a supa fa ba lemoga tiro e tona e dikgosi di e dirang mme a kaya fa ba leka ka bojotlhe go ba isa kwa ithutuntshong ya go sekisa.O kaile fa maikaelelo a lephata la bone e le go tsisa ditirelo tsotlhe tse di tlhokafalang mo dikgotleng gore tiro ya bone e nne motlhofo Kgosi Seboko o ne a kopa dikgosi go ikgapha mo go raelesegeng go tsena mo tshenyetsong setshabeng ka go dira jalo go sa siama mme go ka ba tsenya mo diphatseng. politics 7 Marapo a motho a fitlhetswe mo sekgweng Mookamela mapodisi a Kalkfontein, Superintendent Pizhani Kobole o tlhomamisitse tiragalo e mo go yone marapo a motho a fitlhetsweng mo sekgweng kwa morakeng wa Molaste, gaufi le Chobokwane. Fa a buisana le O tlhalositse fa marapo ao, a bonwe ke banna ba ba neng ba le mo patlong ya leruo. Rre Kobole a re ba ne ba ragogela koo mme ba fitlhela marapo ao, a bapile le diaparo tse a supileng fa e ne e le borokgwe, sekipara le ditlhako, tse ba neng ba di tsaya le marapo ao. A re marapo ao a ne a isiwa kwa Ghanzi go ya go tlhatlhojwa ke dingaka tse di rurifaditseng fa e le a motho, mme mo nakong eno a santse a beilwe kwa setsidifatsing sa kokelo ya Ghanzi. O tlhalositse gore go na le mongwe yo o setseng a itshupile gore diaparo tseo di tshwana le tsa ngwana wa gagwe yo o saleng a nyeletse ngogola. Rre Kobole o rurifaditse fa ba ne ba nna le pego ya mongwe yo o timetseng e e kwadisitsweng ka Hirikgong mono ngwaga, mme e le tiragalo ya ngogola ka Sedimonthole. A re mo nakong eno ba emetse go dira ditlhatlhobo tse di tseneletseng go bona gore a marapo a a sikana le motsadi yo o setseng a itshupile. Mo go tse dingwe, Rre Kobole a re kgwedi e e fetileng mme mongwe wa dingwaga tse di masome mararo o ne a tsena ka ga re itse morago ga go rongwa sukiri le mashi ke moagisanyi wa gagwe kwa Karakubis. A re le mo nakong eno, ba santse ba le mo patlong ya mme yoo. Godimo ga moo, a re go ne ga nna le pego ya mongwe gape yo o saleng a sa bonwe ka Sedimonthole ngwagatlola mme le ene ba santse ba le mo patlong ya gagwe. crime_law_and_justice 1 Mokgatlho wa balemi o ka thusa go tlhabolola temo Mogolwane wa ofisi ya balemisi mo kgaolong-potlana ya Mahalapye, Rre Alexander Letebele a re dingongorego tse balemi ba di lebisang ofisi ya gagwe ke tse ba tshwanetseng ba itebaganya le tsone go di rarabolola. O tlhalositse jalo bosheng mo Mahalapye a buisa phuthego ya balemi le beng ba diterekere ka maikaelelo a go ipaakanyetsa paka e ntsha ya temo. Rre Letebele a re, maikaelelo a mokgatlho wa balemi ke go sekegela tsebe dikeletso tsa lona, go rarabolola mathata a a kgoreletsang temo ka maikaelelo a go tokafatsa go ntsha dijo. O ne a tlhalosa gore go ipopa ditlhopha go ka thusa balemi go tlhabolola temo le go bua ka lentswe le le bopaganyeng go kopa thuso mo dikomoponeng tse di farologanyeng. “Go tlhoka mokgatlho ke mathata ka gore le ya go kopana gangwefela ka ngwaga le gone le biditswe ke nna. Le ka kgona go kopana kgapetsakgapetsa le bidiwa ke mokgatlho.” Le fa kgaolo potlana ya Mahalapye e na le mokgatlho wa balemi, sebe sa phiri ke gore maloko a mokgatlho a felela mo seatleng. Modulasetilo wa mokgatlho wa balemi le beng ba diterekere, Rre Lesego Baruti a re mokgatlho wa bone o kwadisitswe semmuso ka 2015. Rre Baruti a re bontsi jwa dikgang tse balemi ba lelang ka tsone di rarabololwa motlhofo ke batho ba tshwaraganye. “Goromente o ikuela mo go rona go ntsha dijo, ka jalo a re tshwaraganeng gore re kgone se.” A re mo nakong eno makgatlho wa balemi o na le maloko a le 21 ka jalo a rotloetsa balemi go ikwadisa gore ba kgone go godisa mohama wa temo. “Maikaelelo a lenaneo la ISPAAD ke go ntsha dijo tse di lekanyeng, mme re ka kgona fa re goga mmogo,” ga bua rre Baruti. O tsweletse a re re mokgatlho o tlhoka bomme le borre ba ba nonofileng go o kgarametsa ka mashetla. E rile a itebaganya le dikgang tse dingwe, Rre Letebele a supa fa ofisi ya gagwe e tshwenngwa segolo bogolo ke gore thobo e tsweletse ka go ngotlega. “Re tshwenyegile thata re le balemisi ka seemo se, mme ke dumela gore le lona le tshwenyegile.” O supile gore puso e ne ya tsaya tshwetso ya go simolodisa ISPAAD e sekegela tsebe selelo sa balemi sa gore ba tlhaelelwa ke didirisiwa tsa temo, dipeo, menontshane le tse dingwe tse di ka thusang mo temong. “Re ipotsa gore matsapa di a tsaya kae, ka jalo re kopanye jaana ka maikaelelo a go rarabolola seemo se. Beng ba masimo ba a lela ba re diterekere ga di leme sentle, ba diterekere bone ba supa balemi ka monwana ba re ga ba tlhokomele masimo a bone,” ga tlhalosa Rre Letebele. O ne a supa gore sengwe sa dilo tse di tshwenyang ke gore go lebega bakgweetsi ba diterekere ba sena kitso ya go lema. Rre Letebele a re temo e e welang tlase se tshwentse Tautona, ka jalo o ntshitse lekoko go batla tharabololo. O supile gore le fa balemi bangwe ba ba ikopantseng ba thusiwa ka terata go agelela masimo, sebe sa phiri ke gore bontsi jwa lefatshe le le ageletsweng e santse e le sekgwa fela se sa lengwe. A re maikaelelo a ga Tautona Masisi ke gore masimo otlhe a a sa lengweng a tsene mo tirisong go oketsa thobo. O supile gape gore puso e tshwenngwa ke gore bangwe balemi le beng ba diterekere ba tsweletse ka go dira maretshwa a go tsietsa puso. “Kgaolo ya rona ya Mahalapye e setse e rothegetswe ke madi a kgofa, bodiredi, beng ba diterekere le balemi bangwe ba jele madi a puso a lenaneo la ISPAAD ka bokukuntshwane. Madi a mantsi a senyegile mo ISPAAD mme go sena maduo. Mme ke a lemoga gore bangwe ba ntse ba dira maiteko a go tsietsa, dilabe tsotlhe tse di mo lenaneong le di tla ka rona ba re thusiwang,” ga tlhalosa Rre Letebele. Le fa go ntse jalo, Rre Letebele a re ISPAAD e tsweletse, a re balemi ba ba ikwadisitseng ba tla thusiwa ka dipeo, dichefi, menontshane le go lemelwa. “Ke kopa gore le ikwadise ka nako gore re ipaakanye, re kgone go le thusa ka botlalo. Mathata a lona ke gore le rata go tla ka motsotso wa bofelo mme seo se re busetsa kwa morago.” Potso ke gore ‘re dira jang go tlhabolola lenaneo le, le lona jaaka batsaya-karolo, le dira eng go tokafatsa thobo,” ga bua Rre Letebele. Bokhutlo society 9 Dikgolegelo di kopa kemonokeng Mookamedi wa dikgolegelo, Rre Silas Motlalekgosi, o ikuetse mo makhanselareng a Bokone bophirima go ba ema nokeng mo dikgwetlhong tse di ba lebanyeng. O ikuetse jalo fa a lekodisa khansele ka ditirelo tsa dikgolegelo le dikgwetlho tsa tsone. A re go ka nna molemo fa ba ka ipha matsapa a go etela dikgolegelo go bona seemo le go ba thusa ka maano a go batla tharabololo. A re ga ba tsosiwe ke mosuke o o mo dikgolegelong lefatshe ka bophara, a supa fa gompieno ba tlhokomela magolegwa a le 4 348 ntswa ba tshwanelwa ke go amogela ba le 4 219. A re e re ntswa ba tshwere namane e tona ya tiro ya go sireletsa le go aga magolegwa, ba kgorelediwa ke matlhotlhapelo a a dirwang ke one magolegwa ka jaana bangwe ba a tlhaga, fa bangwe ba lwa mme ba bangwe ba tlhasela badisa ba bone. Rre Motlalekgosi o lekodisitse makhanselara fa bangwe ba dirisa ditagi le go tshola didirisiwa tse di borai, a tlatsa ka gore go dira jalo go tsisa matshosetsi a matona mo tirong ya badisa magolegwa. A re bosheng jaana, ba ne ba gapa megala ya lotheka e feta lesome mo bangweng ba magolegwa, a tlhalosa fa go supagala gore bangwe ba e fitlha mo ditlhakong le mo dikarolong dingwe tsa mmele. O kopile makhanselara go tshwaraganela dikgang tseo le bone, a re fa ba sa di emele ka dinao, dikgolegelo di tlaa fetoga boremelelo jwa dirukutlhi. Rre Motlalekgosi o ne tlhalosa fa bodiredi jwa gagwe bo dira tiro ka botswapelo mme mathata e le bobotlana le mabaka a pereko a a sa itumediseng. A re le dikago tsa dikgolegelo ga di mo seemong se se itumedisang ka dingwe di onetse e bile di le dipotlana. O ne a supa gape fa a tshwenngwa ke gore setshaba se kgetholola batho ba ba tswang mo kgolegelong. A re kgolegelo yone ga e kgetholole ka jaana mohumi, mohumanegi le morutegi a kgona go tsena mo teng mme a ikuela mo setshabeng go fa batho bao sebaka sa go tlhakana le bone. Fa ba tsibogela selelo seo, makhanselara a supile fa e le boammaaruri dikgolegelo di tlhoka thuso ya potlako. Ba re go lebega di beilwe ka fa mosing ntswa di dira tiro e tona mo setshabeng. Ba re bodiredi jwa dikgolegelo bo tshela le dirukutlhi tsa maemo a a kwa godimo mme ga ba na sepe sa itshireletso, ba tlatsa ka gore seo se baya matshelo a bone mo diphatseng. Ba ne ba tshwaela ka gore ga go a siama go kopanya magolegwa mo lefelong le le lengwe ka ba farologana ka melato. Bangwe ke ba ba sa itekanelang mo ditlhaloganyong mme ba tlhoka bonno jo bo faphegileng. BOKHUTLO politics 7 Bible Life e aba ntlo Mokwaledi wa komiti ya letsholo la go agela batho matlo kwa Ofising ya ga Tautona, Rre Duke Masilo, o kopile batho ka bongwe ka bongwe go tsenya letsogo mo go thuseng batho ba ba tlhokileng go nna lesego mo setshabeng. Rre Masilo o buile se kwa moletlong o mokhutswane, o mo go one ba kereke ya Bible Life kwa Molepolole ba neng ba abela Mme Gofaone Makepe wa kgotla ya Mokgalo ntlo. A re batho ka bongwe ka bongwe ba sa ntse ba saletse kwa morago ka go ntsha seabe sa bone mo go thuseng batho ba ba dikobo dikhutshwane, ka jalo a ba kgothatsa gore ba se ka ba inyatsa go ntsha se ba nang le sone, a supa fa batho ba ba tsentseng letsogo mo tirong eo, e se gore ba humile mme ba dira jalo ka go supa mowa wa lorato le kutlwelo botlhoko. O galaleditsekereke ya Bible Life ka tiro e ntlee ba e dirang ka e bile e se la ntlha ba dira jalo a re seo ke sesupo sa gore mowa wa lorato le kutlwelo botlhoko o agile mo go bone, a bo a rotloetsa le dikereke tse dingwe tse di sa ntsengdi saletse kwa morago go tsaya malebela. A re puso le khansele di lebaganwe ke dikgwetlho tse dintsi tsa go thusa batlhoki, bana ba masiela ka go ba thusa ka dijo, diaparo le fa ba latsang tlhogo teng, mme a re ba lebogela mekgatlho, dikompone le ba bangwe ba ba itlamileng go thusa puso. Rre Masilo a re le ntswa go na le ba ba tsweletseng ka go kgala tiro e ntle eo ya go thusa ba ba dikobo dikhutshwane ba re ke go ipapapatsa, a re seo ga se kitla se ba kgoba marapo ka gore ke se Modimo a se batlang. Kgosi kgolo Kgari III wa Bakwena, yo a neng a abela Mme Makepe, dilotlele tsa ntlo eo, o akgoletse maloko a kereke eo go supa fa ba kgathala ka matshelo a batho ba bangwe. Ends society 9 Go tlhoka go tlhokomela ntsa ke molato Go rua ntsa o bo o e tlogela e saila le mebila ke tlolo molao. Se se builwe ke Mme Lorato Enosa wa ofisi ya melawana ya khansele ya Lobatse mo phuthegong ya twantsho borukutlhi e e neng e tshwerwe bosheng kwa Multi mo Lobatse. Mme Enosa a re dintsa di tshwanetse go ruelwa mo segotlong se se ageletsweng e bile se na le heke e e tiileng go itsa gore e tswele kwa ntle. A re batho ba tshwanetse go tlhaloganya gore fa ba rua dintsa ba a di ithuela, ka jalo di tshwanetse go nna mo segotlong. A re fa heke e sa tia, ntsa e tshwanetse go golegwa. Mme Enosa a re ntsa fa e tswetse kwa ntle ga segotlo e ka loma batho le go tsholola ditanka tsa matlakala mme a gasame gongwe le gongwe. A re fa ntsa e dirile mathata e le kwa ntle ga lolwapa, mong wa yone o atlholwa madi le go isiwa fa pele ga lekgotla. O ne a bolelela banni ba Multi le Newlook gore go latlhela matlakala mo sebatleng ke molato. A re ga go a tshwanela go nna le dithotobolo tsa matlakala. O kopile ba ba nang le matlakala a a batlang go latlhwa jaaka ditlhare tse di kgaotsweng gore ba tshwanetse go thapa sekipi sa khansele. A re yo o tlaa tshwarwa a latlhela matlakala mo sebatleng o tlaa atlholwa madi a a sa feteng dikete tse tlhano tsa dipula, mme e re a palelwa ke go duela madi ao, a sekisiwe. O ne a supa matshwenyego ka batho ba ba latlhelang metseto ya bana mo ditankeng tsa matlakala. Mo go tse dingwe, Mme Enosa o ne a tlhalosa fa go rekisetsa majalwa a sekgoa mo malwapeng go sa letlelelwe. A re bojalwa jo bo letlelelwang go rekisiwa mo lwapeng ke jwa Setswana ka teseletso e e tswang kwa kgosing. society 9 Boraro bo belaesega bo tlhakanetse dikobo le basetsanyana ba sekolo Banna ba le bararo ba motse wa Khawa ba thusa mapodisi a Middlepits ka ditlhotlhomiso tsa dikgang tse pedi tsa go tlhakanela dikobo le basetsana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi. Mo puisanong le BOPA bosheng, Mookamela mapodise a Middlepits, Assistant Superintendent Kebadire Mmopi, a re ba begetswe dikgang tseo, kgwedi e e fetileng e le masome a mabedi le bosupa. A re monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le botlhano o ne a tshwarwa, a belaesega mo molatong wa go tlhakanela dikobo le mosetsana wa dingwaga tse di lesome le bobedi, yo eleng moithuti wa sekolo se se botlana. O tlhalositse fa monna yoo, a ne a ratana le mmangwanaagwe mosetsana, mme ba ne ba nna mmogo mo ntlung. Go belaesega fa erile rre yoo a fitlhela mokapelo wa gagwe a seo mo lwapeng, a tlhakanela dikobo le mosetsana yoo, mme ka lesego mosetsana o ne a kgona go tlhaba mokgosi, mme baagisanyi ba kgona go mo tswa thuso ba begela ba sepodisi. Mo kgannyeng e nngwe, Asst. Superintendent Mmopi a re ba tshegeditse banna ba le babedi, ba go belaesegang ba ne ba tlhakanela dikobo le mosetsana wa dingwaga tse di lesome le borataro, yo e leng moithuti wa Form 3, ka dinako tse di farologanyeng, fa dikolo di ne di tswetswe ka nako ya kiletso mesepele. A re banna bao ba emetse tsheko ba le mo kgolegelong, fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse. Assistant Superintendent Mmopi a re fa ba ka bonwa molato, banna bao ba ka atlholelwa dingwaga tse di sa feteng lesome le botlhano mo kgolegelong. O ne gape a kopa batsadi go tlhokomela bana, go ela tlhoko metsamao ya bone, le gone go bua le bone ba phuthulogile ka go ikgapha mo go tsa marato ba sa le babotlana, a re seo se ka kgoreletsa dithuto le go ba senyetsa bokamoso. crime_law_and_justice 1 Botsogo jwa ngwana konokono Mooki kwa kokelong ya Palapye, Rre Clement Matlhadisa, o gateletse botlhokwa ja go isa bana dikokelwaneng gore ba kgone go tsaya mekento yotllhe kafa e tlhomaganang ka teng. Rre Matlhaisa o buile seo mo potsolosong morago ga thuto puisanyo e e neng e rulagantswe ke mokgatlho wa Serowe/Palapye wa dikole tsa bananyana ba barutuntshediwang go ya go simolola mophato wa ntlha kwa dikoleng tse di potlana. A re mekento e e neelwang bana eo, e botlhokwa mo botsogong jwa bone ka e diretswe go lwantsha malwetse a a farologanyeng. Rre Matlhaisa a re go fa bana kalafi ka nako go botlhokwa fela thata ka go ba sireletsa mo malwetsing a a tshelanwang jaaka balwetse jwa sebete, kgotlholo e tona, kitlano ya ditlhaa, sehuba sa monganganyego, mohikela, go swa mhama, letlhatso le letshololo. “Go botlhokwa go fa bana kalafi ya thibelo malwetse mo dingwageng tse di ko tlase segolo jang mo nakong eno e puso e e ikaelelang go fedisa bolwetse ja go swa mohama lefatshe leno ka bophara,” a tlhalosa jalo goya pele. O tsweletse a kaya fa gole botlhokwa go isa bana dikokelong go fiwa mekento ka nako, a tlatsa ka gore bontsi ja mafatshe a a tlhabologileng a kanoka gore a motho a alafetswe malwetse otlhe ka nako e e beilweng fa a sale monneye. Rre Matlhadisa o kgadile batsadi ba ba tlodisang bana mekento are go dira jalo ga go a siama, a tswelela ka go kgotlhasa batsadi go tsaya boikarabelo ja go isa bana ba bone ko go ba bongaka ka ba na le tshwanelo ya bongaka le go itekanela. Modiri mo lephateng la botsogo, Rre Thato Mailane, o tlhalositse fa bana ba ba nang le botsogo jo bontle ba dira sentle mo dithutong ka ba na le seriti e bile ba tshameka sentle ka bana le maatla. A re mo dikoleng bana ba na le karata ya sekole ya botsogo e e nang le maina a ngwana, mekento e a e filweng, ditlhatlhobo tsa makoa,boleng jwa mmele, dijo tse di jewang,itekanelo ya tlhaloganyo, legano, matlho le tse dingwe. Rre Mailane a re lenaneo la botsogo jwa bana kwa dikoleng ga le bereke sentle kwa Palapye ka go sa nna teng ga maphata mangwe a a dirang gore le bereke. O solofeditse go dira ka natla gore lenaneo leo le ntshe maduo. health 6 Leruo le a tshwenya kwa Marobela Banni ba Marobela ba re ba tlhorontshiwa ke leruo le le gobeyang mo motseng. Ba buile jalo mo phuthegong e e neng e biditswe ke moemela bogosi jwa kgaolo ya Tutume kwa Ntlong ya Dikgosi, Kgosi Rapelang Khuwe ka Labobedi. Banni ba boletse gore se se ngomolang pelo ke gore bangwe ba bone ba beile tema, mme fa ba lela ka letsatsi ka fa, leruo le lone le dira ga lone. Ba re se, ga se ba jese diwelang ka gore ba ne ba solofetse gore ba tlaa sela sengwe jaanong leruo le ba jesetsa mo kgobedung. Kgosi Khuwe o buile a sa kgwe mathe a re go molato go tlogela leruo le gobeya ka le molao o le teng o o laolang tsamaiso ya thuo ya leruo mo motseng. O boletse gore mang fela yo o tlaa fitlhelang leruo mo tshimong ya gagwe kgotsa mo lwapeng, a le gatelele kwa kgotleng kwa mong a tlaa lebisiwang molato wa go sa tlhokomeleng leruo. A re go na le batho ba ba sa tlhokomeleng dintsa tsa bone mo di felelang di senyetsa baagisanyi, mme a re seo le sone ke molato o o nang le katlholo e e kwadilweng mo melawaneng ya tlhokomelo ya leruo. Mo dikgannyeng tse dingwe, Kgosi Khuwe o boletse fa a sa jesiwe diwelang ke palo ya batswakwa ba ba tletseng mo motseng mme ba sena diteseletso tsa go nna mo Botswana. A re sebe sa phiri ke gore banni ba motse ba ba fa bonno mme a bolela fa go dira jalo e le molato o motho a ka o atlholelwang madi a a kanang ka sekete kgotsa kgolegelo. Gape a re o lemogile gore batho ga ba tseye tsia molao oo ka ba itse gore ba tlaa duela mme a bolela gore mo bo gompienong, o tlaa otlhaya batho ba go nna jalo ka kgolegelo gore ba bone gore tota kgang e ke kgang e e sa batlegeng. A re se se utlwisang botlhoko ke gore motse wa Marobela o kile wa welwa ke seru dingwaga tse pedi tse di fetileng mme mmelaelwa e le motswakwa, jaanong go a gakgamatsa go bona bangwe ba ntse ba tsweletse ba a fa batswakwa bonno a bo a ipotsa gore a ba santse ba batla seru se sengwe gape. Bokhutlo society 9 Letsholo la Kgomokhumo le upolola dikgolo Letsholo la KgomoKhumo e rile bosheng la thusa ka go tshwarwa ga makawana a le mane mabapi le bogodu jwa leruo mo kgaolong ya Lentsweletau mo Kweneng le Leshibitse kwa Kgatleng. Makawana ao ke Ofentse Ditsheko, 22, wa Mokgenene, Alfred Moakofi, 24, wa Mochudi, Tumo Modisaotsile, 22, wa Molepolole le Gorata Ramasonya, 24, wa Sojwe. Go ya ka mothusa ramapodisi Rre Dipheko Motube, babelaelwa ba amanngwa le melato ya bogodu e ka tshwara boferabongwe e e diragetseng go simolola Ferikgong mono ngwaga. Babelaelwa go bolelwa fa ba ntse ba utswa leruo mo kgaolong ya Kgope le Lentsweletau mme ba tlolele kwa Leshibitse kwa le teng gobolelwang fa ba tlhabile dipodi di le lesome le boraro. Go ya ka Rre Motube, ditlhotlhomiso tsa bone di supa fa ba ne ba rekisetsa mongwe wa selaga kwa Gaborone yo le ene ba mo motlhaleng wa gagwe. O ne a kopa maphata a puso gore a nne podi matseba ka bangwe go supagetse fa ba fiwa nama ya bogodu e e tlhabetsweng mo nageng. Nama ya go nna jalo go bolelwa fa gantsi e lemogwa ka go nna mmu, e na le ditlhare, ka jalo ba gakololwa go itsese mapodisi ka bofefo fa ba bona dikai tse. Rre Motube a re nama ya dikgomo tsa bogodu e borai, ka e a bo e sa tlhatlhojwa malwetse gape go ka diragala gore go tsewe e e neng e le gone e kentwang mme e lwatse batho. Mo godimo ga bogudu jwa leruo, Moakofi le Modisaotsile ba ne ba batlwa ke mapodisi mabapi le pelaelo ya gore ba thukuthile mme mongwe wa masimo a Segoomotlhabe gaufi le Kgope mme ba utswa P2 000. Babelaelwa ba ne ba na le bangwe ba babedi ba bone ba setseng ba iponaditse fa pele ga ga mmakaseterata fa mapodisi a santse a batla yo mongwe yo o tseneng ka lenga la seloko. crime_law_and_justice 1 Twantsho borukutlhi e tswa tema Mothusa ratoropo wa Jwaneng Rre Tsietsi Oodira-Kwenje o boletse gore maiteko a twantsho borukutlhi a mapodisi kwa toropong eo a tswa tema, ka jaana dipalo tse di kwadisitsweng di supa fa borukutlhi bo wetse tlase mo dikgweding tsa Phalane le Ngwanatsele. E rile fa a bua kwa phuthegong ya khansele bosheng, Rre Kwenje a re go na le kwelotlase mo borukutlhing jwa dintwa, go tsenelela batho mo malwapeng a bone le dipolao. Mo dikgweding tsa Phalane le Ngwanatsele, ngwaga ono, borukutlhi jwa go lwa le go tsenelela batho mo malwapeng, jaaka go thuba matlo le mabentlele le jone borukutlhi jwa dikgoka di ne tsa wela tlase ka lekgolo fa go tshwantshanngwa le ngogola mo nakong yone e. O boletse gore seemo sa go nna jalo se dirilwe ke methale ya twantsho borukutlhi e e dirwang ke mapodisi e tshwna le go tsamaya ka dinao mo mekgwatheng ga mapodisi, ditlhopha tse di itebagantseng le mathata a a boima le baithaopi ba sepodisi. Lefa go ntse jalo Rre Oodira-Kwenje a re thubetso e tsweletse ka go nna kgwetlho e tona thata ka jaana dikgang di le nne di ne tsa kwadisiwa mo ngwageng ono fa go tshwantshanngwa le nako e e tshwanang le yone e mo ngwageng o o fetileng. O boletse gore se ke palo e e kwa godimo fa re lebile gore dipalo tse ke tsa dikgwedi tse pedi fela.O ne a pega bojalwa le ditagi phoso ya go nna le seabe mo koketsegong ya petelelo a re bontsi jwa babeteledi ba dira jalo ba le mo sediding sa botagwa. Mothusa ratoropo o boletse gape gore ga gona dikotsi dipe tse di begilweng tsa tsela mo nakong eno fa go tshwantshanngwa le nako e e tshwanang le e mo ngwageng o o fetileng. Gape o ne a re fa gare ga dikgwedi tsa Phalane le Ngwanatsele, bakgweetsi ba le 109 ba ne ba lebisiwa molato wa go kgweetsa ka lebelo le le fetileng selekanyo, seo e le phokotsego go tswa kwa go 204 ya dikgang tsa go nna jalo tse di neng di kwadisitswe ngogola mo nakong e e tshwanang le e. Phokotsego eo le yone o boletse fa e bakilwe ke go nna teng ga mapodisi a taolo pharakano ya dikoloi mo ditselelng le go dira dikganedi tsa tsela kgapetsa kgapetsa. Rre Oodira-Kwenje o ne gape a supa fa a tshwentswe ke go golela pele ga dikgang tsa go thuba malwapa le go tshola motokwane e se ka fa molaong tse di setseng di isitswe kwa dikgotleng tsa ditsheko. A re dikgang tsa go nna jalo di kgoreletsa maiteko a lefatshe leno a go aga tshaba e e nang le botho ebile e amogelelana ka ngwaga wa 2016. A re dikgang tsa go tshola motokwane e se ka fa molaong gantsi di ama banana ba dingwaga tse fa gare ga 18 le 35 mme seo se a tshwenya ka gore ditagi tseo di tlaa ama bokamoso jwa bone. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 'Godisetsang bana mo tumelong' Banni ba Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba itsisitswe fa go godisetsa ngwana mo Modimong e le tsela e e molemo, e e ka thusang go lwantsha dikgwetlho tse di tshwanang le go tlhoka tsebe le go itaola ga bana. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa motseng oo bosheng, mopalamente wa kgaolo eo, Rre Ngaka Ngaka o kopile batsadi go okela bana kwa dikerekeng, a kaya fa go tlogela bana ga batsadi bangwe fa ba ya dikerekeng go sa supe boikarabelo jwa go aga boeteledipele jwa kamoso. Rre Ngaka a re fela jaaka Motswana wa pele a supile gore lore lo ojwa lo sa le metsi, setshaba se tshwanetse sa simolola gone kwa dikerekeng. O ne gape a kopa batsadi go neela bana lerato ka dinako tsotlhe, a re seo se tlaa dira gore le bone ba lemoge fa batsadi ba kgathala ka bone. A re gantsi bana ba ba golang ba sa neelwe lorato kwa lwapeng ba thatafalelwa ke go tlhaloganya gore fa go buiwa ka lerato la Modimo go buiwa ka eng ka ntlha ya go tlhoka bokaedi le thuto go tswa mo botsading,a kaya fa seemo se se sa siama ka ke sone gantsi se gogelang bana mo thaelong ya go dira ditiro tse di duleng mo tseleng. Rre Ngaka o ne a gatelela se morago ga gore Kgosi Makgabane Tsiane a supe fa ba sa tsosiwe ke boitaolo jwa bana ka ba ikamantse le ditiro tsa botlhokatsebe di tshwana le go itontela nnotagi le dipolaano tsa marato. Fa ba tswa la bone, banni ba ne ba dumelana le mopalamente wa bone ka bongwefela jwa pelo ba kaya fa se a se buang e le nnete mme ebile go le maleba gore ba rute bana go ikanya le go nna le tshepho mo Modimong. society 9 Dikatlholo di okeditswe Batho ba kgaolo ya Mahalapye Botlhaba ba galaleditse kgato ya go baakanya molao wa tsamaiso ya makgotla a Setswana. Ba buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla ka go farologana di tshwerwe ke mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso bosheng. Mme Tshireletso o ne a tlhalosa fa dikatlholo tsa batho ba ba tlhapatsang ba bangwe di oketsegile go tswa mo go P50 go nna P500 go ya kwa go P1 000 O boletse gore motlhapatsi o tlaa nna le go ka otlhaiwa, ka go lefa madi ga mmogo le go kgwatha a tlatsa ka gore ba tlaa otlhaiwa ka go kgwathisiwa ke morongwa wa lekgotla, e le bo mme kgotsa bo rre. Fa ba akgela batho ba ne ba galaletsa mafoko ao ba bolela fa ba sa bolo go rogakwa ke batho ba itse fa ba tlaa duela P50 kgang e bo e fedile. Rre Sefedile Lesobia wa Mmaphashalala a re dituelo tse di okeditsweng tseo, di tlaa tlisa kagiso mo setshabeng. Mo dikganyeng tse dingwe, Mme Tshireletso o ne kopa Batswana go ipabalela kgatlhanong le go tsenwa ke mogare wa HIV. O tlhalositse fa mogare o santse o le teng mme a re sebe sa phiri ke gore bangwe ke gone o ba tsenang mme puso e sa bolo go touta gore batho ba ipabalele. O ne a kgothatsa batho go tsaya diritibatsi sentle a tlatsa ka gore fa ba bona ba nna botoka, ba seka ba di tlogela, ka go ka baka kwelotlase mo masoleng a mmele mme phelelo e nne loso. society 9 Batsadi ba gakololwa go kgalema Batsadi ba gakolotswe go tsibogela seemo se se ileng magoletsa sa banana ba ba nnang le bakapelo ba bone mo malwapeng a batsadi ba bone kwa ntle ga lenyalo. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa komiti ya Man Sector kwa Molepolole, Rre Andrew Selwe a gakolola bagolo go tsibogela seemo se ka jaana go supagala fa seemo seo se ile magoletsa. O tlhalositse fa banana ba bomme e le bone go le gantsi ba nnang le bakapelo ba bone kwa malwapeng a batsadi. A re go dira jalo ga go a siama a supa fa go le botlhokwa gore batsadi ba godise serodumo le seriti sa malwapa a bone ka go kgala le go sa letlelele dilo tsa go nna jaana. Rre Selwe a re diemo tsa go nna jaana di dira dipolaano mo malwapeng. Rre Selwe a re sebe sa phiri ke gore fa baratani ba tlhoka kutlwisisano go felela go nna le dintwa tse kgonang go ama batsadi. A re borre ba kgona go tlisa dijo mo lwapeng kgotsa go agela mokapelo ntlo mo lwapeng ntle le kgakololo go tswa mo batsading. O kgadile se thata e bile a tsibosa batsadi ka bodiphatsha jwa go letlelela diemo tsa mothale o ka di na le ditlamorago tse di sa jeseng diwelang Ka jalo, batsadi ba gakolotswe go kopa thuso mo bogosing kgotsa mo makalaneng a a lebaneng a tshwana le mapodisi fa bana ba bone ba setse ba medile dinaka e bile ba batla go itirela boithatelo mo malwapeng a bone. E rile a iteela kobo moroko ka kgang e, Rre Frank Modibedi wa kgotla ya Boswelakoko a tlhalosa fa kgang ya go letlelela bana ba basetsana ba tla mo lwapeng le bakapelo ko ntle ga lenyalo e rotloediwa ke bommaabone ka jaana ba a bo ba tshwara thipa ka fa bogaleng. Rre Modibedi o ne a supa fa maitseo e le namane e tona go sa kgathalasege gore seemo sa itsholelo ke se se ntseng jang mo lwapeng lwa mosetsana. O ne a konetelela ka gore batsadi ba bana segolo bogolo jang bomme ba ithute go dirisanya sentle le borre go tila diemo tsa go nna jaana tse gantsi di felelang di tlisitse bohutsana mo lwapeng. society 9 Bodiragatsi bo tshetsa Boikie Mo dingwageng tsa maloba go ne go tsewa bodiragatsi jwa diletswa jaaka katara, segaba, setinkane le tse dingwe e le selo se se dirwang fela go itlosa bodutu kgotsa go natefisa mo meletlong. Mo malatsing a gompieno bodiragatsi jo, bo tseelwa kwa godimo ka bo kgona go tshetsa batho. Puso e tsentse letsogo mo go ribololeng le go tsosolosa botswerere mo Batswaneng gore bangwe e nne jone jo ba itshetsang ka jone ka letlhoko la ditiro le apesitse lefatshe leno kobo ka letshoba. Mananeo go tswa mo maphateng a a farologanyeng a go thusa badiragatsi ka madi ke bosupi jwa gore puso e tsaya botswerere tsia. Kwa Ramokgonami mo kgaolong ya Tswapong, Rre Joseph Boikie ke mongwe wa badiragatsi ba ba tsweletseng ka go akola dikatso tsa dikgaisanyo tsa bodiragatsi tsa malatsi a ga Tautona. Rre Boikie o tlhalositse mo potsolotsong gore e ne ya re a sale mmotlana a seka a letla gore rraagwemogolo a ye ga maotwana hunyela ka botsipa jwa go letsa setinkane. Rre Boikie, yo o dingwaga di masome mane le boraro, a re fa a tlhalefa o fitlhetse rraagwemogolo e le moletsi wa popota wa setinkane. A re mme monnamogolo o ne a letsa setinkane fela go ba tlosa bodutu mo lwapeng gantsi fa go le maitseboa ba itisitse fa isong. A re e ne ya re go ntse go tsweletse seletswa seo sa simolola go gapa pelo ya gagwe ka bonya ka bonya. A bolela fa rraagwemogolo le ene a ne a rata thata go bona mongwe wa bana ba bana ba gagwe a na le keletso ya go gata fa a gatileng teng. Rre Boikie a re e ne e re fa a sa ya sekoleng a bo a nna a le gaufi le rraagwemogolo a anywa botsipa jwa go letsa setinkane. A re e ne ya re a ntse a gola a kgaogana le rraagwemogolo a ya go direla kwa moepong wa Orapa dingwaganyana. Rre Boikie o bolela gore e rile ka 2007 a tlogela tiro a tla go nna mo gae. A re ka jaana rraagwemogolo a ne a sa tlhole a le teng mo botshelong, o ne a nna a tsaya setinkane se rraagwemogolo a neng a se dirisa a se letsa go itlosa bodutu, e re le fa a ya go disa dikgomo a bo a tsamaya ka sone go ya go se letsa kwa madisong. Rre Boikie o supile fa e rile ka 2010 a simolola go tsenelela dikgaisanyo tsa bodiragatsi tsa dikgaolwana. A re mo go simololeng ga gagwe, o ntse a tla a tswa ka tse di tsididi, a supa fa sebe sa phiri e le gore ga a ise a kgone go fetela kwa magatong a a latelang ka ntlha ya dikgwetlho tse di a bong di mo potile pele. A kaya fa monongwaga a ikaeletse go boa kgakajana mo dikgaisanyong. Rre Boikie a re dikgaisanyo tse di botlhokwa thata ka di mo thusa go godisa neo ya gagwe e bile le dikatso tsa teng di mo thusa go itshetsa. A re ntle le go diragatsa kwa dikgaisanyong, o kgona go natefisa kwa kgotleng fa go na le mediro, a tlatsa ka go re gape bangwe ba kgona go mo hira gore a letse mo medirong e tshwana le manyalo. Rre Boikie o ne a bua ka sefatlhego se se tletseng boitumelo gore e ne ya re ngogola fa ba seromamowa sa Botswana ba etetse motse wa bone, ba gatisa pina ya gagwe ya Somarelang ngwao. O supa fa pina eo a setse a e utlwile e tshamekwa mo seromamoweng makgetho a le mmalwa mme a bolela fa seo se mo tiisa moko mo go letseng setinkane. Rre Boikie a re le ene o eletsa gore ngwaga o a fudugang mo lefatsheng leno a bo a tlogela mojaboswa. A re o rurifatsa seo ka mo nakong ya gompieno go na le bangwe banana ba a ba rutang go letsa. O ne a kopa bagolo go boloka ngwao ka go e amogana le banana. O ne a rotloetsa banana go ithuta ngwao ka tlhoafalo gore le bone ba tle ba e fetisetse kwa baneng ba bone. O ne a garela ka go gwetlha batho go ntshetsa dineo tsa bone kwa ntle ka jaana di ka ba fa botshelo jo bo melediwang mathe. arts_culture_entertainment_and_media 0 Go itse ngwao ke go itlhaloganya Mmatoropo ya Lobatse, Mme Malebogo Kruger, a re meletlo ya go ipelela ngwao e botlhokwa ka jaana e supa fa Batswana ba le motlotlo ka Botswana jwa bone. Mme Kruger o buile se kwa moletlong wa go ipelela ngwao o o bidiwang Thobo kwa Lobatse ka Matlhatso (Moranang a le masome mabedi le boraro). Mme Kruger, yo e leng mokhanselara wa kgaolo ya Motswedi, a re go iplelela ngwao go na le mosola ka jaana go supa fa Batswana ba rata ngwao ya bone, ba itse se ba leng sone e bile ba tlhaloganya se ba leng sone. A re go molemo thata gore batho, bogolo jang banana ba supe fa ba na le kgatlhego ya go ipelela se ba leng sone. Ka jaana seane sa Setswana se re ‘tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng’, go matshwanedi gore bagolo ba rute banana se ngwao ya Setswana e leng sone, go tila gore banana ba ithute dingwao tsa mafatshe a sele mme ba sie le tsone. O kgothaditse thata bogolo jang bagolo, go ruta bana ngwao ya Setswana e e bonwang mo kaparing, mo dijong, le mo go one moopelo tota. A re o kgatlhegela thata meletlo e, ka jaana mo go yone go tshwarwa metshameko e e farologanyeng ya Setswana, e bogolo jang e gomagomediwang ke go nyelela. A metshameko mo meletlong e, go tlaa thusa go e tsosolosa gore e seka ya nyelela ka jaana banana ba tlaa e bonela mo meletlong e, mme ba tswelele go e tshameka ka nako ya bone ko malwapeng go intsha bodutu. Ka jaana kwa moletlong o, go ne ga tsewa nako go tshamekisa puo ya Setswana ka diane, maele le dithamalakane go rekwa go bo go rekololwa. Mme Kruger o ne a akgola se, a tlhalosa fa se se tlaa sireletsa yone puo ya Setswana e e supagalang fa bogolo jang banana ba sena kgatlhego mo go yone. Mmatoropo o ne a tsaya nako go rotloetsa bogolo jang banni ba toropo ya Lobatse go tsenelela meletlo e tshwana e, bogolo jang go dirisa dikago tsa itloso bodutu tse di agilweng ke khansele ya Lobatse. A re ka go dirisa dikago tse, go nna le tshupo ya fa e le ruri madi a puso a sa wela ka motlhobodika mme a diriseditswe sengwe se se botlhokwa e bile se na le tiriso e e mosola mo setshabeng sa Lobatse. O rotloeditse thata batsamaisi ba moletlo go sa itsapa mme go tswelela ba tshwara moletlo o ka segolo bogolo o diretswe go kokoanya madi go direla ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. Fa a tswa la gagwe kgosi Pius Letsholo wa Woodhall kwa Lobatse, o ne a tlhalosa fa ditso di le bolthokwa thata ka jaana di supa kwa batho ba simologileng teng le kwa ba yang teng. A re nako ya thobo segolobogolo ke nako e batho ba tshwanetseng go e ipelela ka jaana ke nako ya go supa se batho ba ntseng ba se fudugetse ba se nnetse kwa masimo. Kgosi Letsholo le ene o ne a kgothatsa balomaganyi ba tiro, go sa fela pelo fa batho ba sa tle ka makatlanamane kwa meletlong ya bone, mme ba tswelele ka go ipelafatsa ka se ba se dirang go fithelela batho ba kgona go tsenelela meletlo e. Moletlo wa Thobo ke moletlo o o tshwerweng ke banana ba ikopanste le bagolo bangwe mo Lobatse ka maikaelelo a go tsosolosa ngwao ka go e ipelela ka dijo, mmino, kapari le metshameko ya setso.Moletlo o, o tshwarwa jaana ka gape e le bontlha bongwe jwa go kokoanya madi go direla bana ba ba tlhophilweng ke khansele ya Lobatse ditiro tsa bopelotlhomogi. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Kgosi o tsibogela dikgang tsa leruo Jaaka paka ya pula e setse e gorogile jaana, ke nako e go simologang dikgotlhang fa gare ga beng ba leruo le balemi. BOPA e ne ya etela kwa Kgagodi mo kgaolong ya Mmadinare go buisana le Kgosi Moriti Kgagodi ka kgang e, le go batla tharabololo ka dikgang tsa go nna jalo. Kgosi Kgagodi, yo o setseng a boloditse letsema bosheng, a re dikgang tsa leruo le le senyang temo kwa masimo di a tshwenya. Le fa beng ba dikgomo ba ngongorega gore balemi ga ba agelela masimo a bone, Kgosi Kgagodi a re se ke maithamako fela ka gore bogologolo masimo a ne a sa agelelwa mme tshenyo e le kwa tlase fela thata; a tlhalosa gape fa batho ba bogologolo ba ne ba na le tirisanyo mmogo. A re tsamaiso ka nako eo ene ele gore mong wa tshimo one a tshegetsa leruo le le mo senyeditseng mme e re go sena go bonwa majo, a itlhophele palo ya leruo le a tla le gapang go lebeletswe seemo sa tshenyo. Le fa dinako di fetogile, a re thulaganyo e ke yone e e ka fokotsang tshenyo ya leruo ka beng ba leruo ba tla tshaba go tlogela leruo le saila mo masimong ka nako ya temo. A re beng ba leruo ba tshwanetse go tlhaloganya gore ga ba senyetse balemi fela, ba senyetsa puso ka gore puso e nna le ditshenyegelo tse dintsi, go thusa balemi go ntsha temo e nametsang gore lefatshe leno le seka la tlhaelelwa ke dijo. Kgosi Kgagodi a re o tsile go sala yone thulaganyo e a fitlhetseng e dirwa go rarabolola dikgang tsa leruo le le senyang kwa masimong. Le fa go ntse jalo a re setshaba ke sone gape se tlang se dira tiro ya dikgosi bokete ka go dumelana kwa bothokong le beng ba dikgomo ka dituelo, ba sa tle go dira tumelano eo fa pele ga bogosi. A re fa bobedi jo bo setse bo tlhobogane, ke gone yo o tsieditsweng a yang go bega kgang e kwa kgosing; a re se se dira dikgang bokete ka gore bosupi bo a bo bo setse bo senyegile. O ne a kopa balemi go emisa go dira jalo gore dikgosi di kgone go rarabolola dikgang tsa mofuta o motlhofo. Kgosi Kgagodi o boletse fa puso e le yone e ka thusang mo dikgannyeng tse ka go baya monwana molao wa gore beng ba leruo ba gapelwe leruo fa le senyeditse batho; a tlhalosa fa mo nakong ya gompieno go le thata go bereka ka molao o o sa rurifadiwang. Mo go tse dingwe, Kgosi Kgagodi a re go tlhatlosiwa ga kgotla ya motse wa Kgagodi ngwaga o o fetileng go nna kgotla e kwalang, go tsisitse ditlamelo gaufi le batho ba metse ya Kgagodi le Diloro. A re se se fokoleditse banni ba metse ya Diloro le Kgagodi mosepele wa go kopa monwana le setempe sa kgosi kwa kgotleng ya Maokatumo. A re o lebogela gore mo nakong ya gompieno kgotla ya gagwe e bo e kgona go sekisa, e sa tlhola e letlanya fela. A re mme jaanong bothata ke gore go sa ntse go sena mokwaledi yo o tsayang metsotso ka nako ya tsheko; se a supileng se tsisa madiadia fa go sekisiwa. BOKHUTLO society 9 Lelatlhego o bewa kgosana Kgotla ya Moeti kwa Maun e tlhomile semmuso, Rre Cosmos Lelatlhego kgosana ya tetlanyo. O tlhongwa jaana morago ga leso la kgosana ya pele, Rre John Temane. Rre Temane o tlhokafetse morago ga go lwala ka lobakanyana ngogola kaTlhakole, mme Rre Lelatlhego a tlhophiwa motlhatlhami wa gagwe. E rile motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Kealetile Moremi a bua kwa tirong eo, a kopa Rre Lelatlhego go ikanya modimo ka nako tsotlhe le gore a seka a tagwa ke maemo mme a tloga a simolola go dira tse di seng mo tseleng ya bogosi. O mo kopile go dirisanya thata le bomorwarraagwe mo tirong fa a batla go e dira ka manontlhotlho, a re a nne kelotlhoko thata mo go tse a di dirang le tse a di buang, a seka a amogela pipa molomo ka e ka mo senyetsa tiro. Kgosi Kealetile o bile a mo kopa go dira ka natla fela jaaka Kgosi Temane a ne a dira, mme a kopa morafe wa Moeti go tshwaragana le kgosana ya bone a bo a re e ne e re ka di nako tsotlhe fa a ba tlhoka kwa kgotleng e tona ba mo pate e se tsamae a le esi. O tlhalositse fa Rre Lelatlhego a sale a dirile le batho bogologolo mo komiting ya ditlhabololo tsa motse, mme jaanong ba setse ba mo itse, a ba a ba kopa go dira le ene sentle gore a kgone tiro ya gagwe. Mokhanselara wa Moeti Mme Botshelobokae Ramasu o ne a bolela fa Rre Lelatlhego a sale a ithutile motho, a santse a le Mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse mme a re o solofela fa gompieno a tlaa relela fela mo tirong ya gagwe. A re ditiro tse di ntle tsa ga Rre Lelatlhego ke tsone di dirileng gore jaanong a bo a roba maduo ano. Fa a latlhela la gagwe, Rre Simon Mmiti, yo e leng motsadi wa ga Rre Lelatlhego o ne a re o na le madi a bogosi, ka jaana batsadi ba gagwe e ne e le dikgosi. O tlhalositse fa dikakgelo tsa dibui, di supa Rre Lelatlhego a sa ba tlhabisa ditlhong ka gope, a re kana Motswana a re moremogolo go betlwa wa taola, wa motho o a ipetla. Rre Lelatlhego a re ene o tlaa kopana le dikgosi tse dingwe jaaka wa Botshabelo le wa kgotlana ya Shashe go mo thusa gore a kgone tiro ya gagwe, gammogo le banana ba kgaolo eo gore ba kgone go akola mananeo a puso. society 9 Bogodu kwa Kazungula bo a tshwenya Mookamela mapodisi a Kazungula, Superintendant Vusimusi Jorowe a re ba tshwentswe ke bogodu kwa Kazungula Newstance jo bo sa laolesegeng. O buile jalo mo potsolotsong bosheng. Supt. Jorowe a re le fa seemo se tlhobaetsa, se botoka mo go sa ngwaga o o fetileng. A re sengwe sa dilo tse di bakang bogodu jo bo ntsi mo motsaneng oo ke gore banni ba motse ba aga mantlo ba bo ba sa a agelele, se se bakang gore magodu ba tsene motlhofo mo jarateng ba bo ba kgona go sia motlhofo. “Banni ba motse o ba re ga ba agelele dijarata tsa bone ka gore diphologolo di a ba senyetsa fa di setse di batla go feta di dija diterata tsa bone,” a digela. O tsweletse ka gore banni ba motse o ba rotloediwa go re fa ba tswa mo lapeng ba laele baagasinyanyi ba bone gore ba sale ba ba lebetse ntlo gore fa go thubiwa ba kgone go ikgolaganya le ba sepodise. A re se se ka thusa go boloka bosupi nako ele teng fa magodu a thubile. Rre Jorowe are batho ba seka ba nna ba tlogela dilwana tsa bone tsa botlhokwa jaaka dithelebishini, megala ya matheka, dilo tsa motlakase le tse dingwe mo ntlong ka ke tsone tse magodu ba di utswang thata. A re fa go kgonega ban ne ba tlogela mongwe aba letletse ntlo fa ba santse ba le mo leetong, kana ba tlogela dipone tsa ntlo di tshubilwe gore batho ba tseele gore go na le batho mo lelapeng. Rre Jorowe are ba kopa batho gore ba emise go thapa batswakwa b aba senang teseletso ya go bereka mo Botswana go fokotsa bogodu jo bontsi jo bo diragalang ka gore dikgetsi ka bontsi tsa bogodu di dirwa ke batswakwa. A re se se diragala ka gore motswakwa o tlaabo a tlwaetswa jarata ya motho, a itsisiwe tsamaiso ya lelwapa leo mo a felelang a ka nna le tshono ya gore fa beng ba lelwapa ba seyo a thube a utswe se a se batlang. O kopile Batswana go emisa tirisanyo mmogo le batswakwa e e amang go utswa dilwana ba bo ba di isa ko ntle ga lefatshe go ya go rekisiwa, go neela kana go fitlha batswakwa ba ba utswang mo mantling a bone ka gore selo seo ke molato ebile se oketsa dikgetsi tsa bogodu. Are bogodu jo bo diragalang gantsi go a bo go utswa batho ba go belaesegang ele ba letso la Zimbabwe ka gore gantsi motlhala wa teng o felela ko molelwaneng wa Zimbabwe, dilwana tse dingwe tsa bogodu tse di a bong di utsulwe mo Kazungula di fitlhelwa teng, ebile mololwane wa Zimbabwe ga o a agelelwa se se dirang gore magodu ba kgone go tlola motlhofo. “Re tsweletse ka go leka go fedisa bogudu mo Kazungula Newstance. Bangwe ba badiri ka nna ba nna ba tsamaya motse le motse ba ruta batho ka fa ba ka iphemelang mo bogodung ka teng,” a tswelela. A re le bosigo ba a tsamaya mo motseng le ko melolwaneng ya Zambia, Namibia le Zimbabwe go tlhomamisa gore ga gona batswakwa b aba tlhagelang mo Botswana. O tsweletse ka gore ba na le seemo sa diphologolo tse di borai tsa naga tse di ba kgoreletsang go gwanta bosigo. O tlhalositse fa ba kile ba nna le dithoto tse di tshwerweng ko Zimbabwe di utsulwe mo Botswana, tse ba kgonneng go di busetsa mong wa tsone morago ga ditlhotlhomiso tse di faphegileng. “Re na le tirisanyo mmogo e e siameng le mapodise a Zimbabwe ka gore motlhala wa dilwana tse di utsuwang mono o felela ko lehatsheng la bone. Fa go nna le bogodu re a ba leletsa abo le bone ba re thus aka ditlhotlhomiso,” Rre Jorowe a tlhalosa. Fa a digela are ba lekile go bua le banni ba motse o mo diphuthegong tsa kgotla le fa ba ntse ba tsamaya mo motseng gore ba nne le didirisiwa tsa iphemelo, jaaka dialamo le go thapa badisa dikago. A re ba tshwae dilwana tsa bone gore fa di tshwara golo gongwe mong wa tsone atle a kgone go di lemoga mo go tsa ba bangwe, ba beye disupo tsa dituelo gore bat le ba kgone go farologanya dithoto tsa bone mo go tsa ba bangwe. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Mogoma o phepafatsa tikologo Mokgatlho wa David Mogoma Foundation (DMF) o sa tswa go bolotsa letsholo la one la go phepafatsa le go gasa molemo o o bolayang megare mo maobong a dikgotla tsa metse ya Bokone Botlhaba. DMF e dira jaana go lwantsha bolwetse jwa COVID-19. Phepafatso e e simolodisitswe ka leobo la kgotla ya Masunga kgwedi eno e le lesome le borataro. Mo potsolosong le BOPA, modulasetilo wa mokgatlho, Mme Sarah Khaulane o boletse fa mokgatlho o itebagantse le ditiro tsa bopelotlhomogi, mme o sa dire dipoelo. A re le fa go ntse jalo, ba kgona go diragatsa maitlamo a bone ka mowa wa boithaopo le go kopa dithuso mo makalaneng. A re mokgatlho o tlhamilwe ke ba lelwapa lwa ga Rre David Mogoma kwa Moroka ka 2016, mme wa kwadisiwa ka fa molaong ka 2018, a supa fa ba ne ba o simolodisa ka tshwaragano le mmaabo, Mme Zibi Mogoma, morago ga phularo ya ga rraabo ka 2004. Mme Khaulane o supile fa moswi David Mogoma e ne e le motho yo o neng a le pelotlhomogi, a eteleditse pele mowa wa kabelano. A re ka jalo e le bana ba gagwe, ba ne ba thulanya ditlhogo mme ba itlama go gata mo ditlhakong tsa ga rraabo go tsweledisa bopelotlhomogi jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, o boletse fa David Mogoma Foundation jaanong e bulegetse ope yo o nang le keletso ya go nna leloko. A re mokgatlho o setse o na le maloko a le lesome le botlhano. Fa a itebaganya le maikaelelo a bone a go phepafatsa maobo a dikgotla go bolaya mogare wa corona, Mme Khaulane o ne a re segajaja sa COVID-19 se borai, ka jalo go botlhokwa gore batho ba seka ba itebala. A re mongwe le mongwe o tshwanetse a leka ka bojotlhe go lwantsha kanamo ya mogare gore lefatshe le kgone go fenya ntwa kgatlhanong le bolwetse jo. Mme khaulane a re ba lemogile fa dikgotla e le tsone pinagare e setshaba, ke ka moo ba boneng go lebane gore ba di gase ka selwantsha mogare. A re maikaelelo a bone ke go otolosetsa thuso eo kwa dikgaolong tse dingwe fa seemo se ka letla. O tlhalositse fa tiro e o ya go gasa molemo mo maobong otlhe a le masome a mane le boraro a Bokone Botlhaba, e solofetswe go wela mo dikgweding tse pedi, mme e tlaa lopa P50 000. O ne a kopa Batswana go ema nokeng mokgatlho wa bone ka sepe fela se ba ka se kgonang, a bo a leboga Auto Chem ka go ba thusa ka melemo e e bolayang megare. Mothusa kgosi wa Masunga, Kgosi Thabo Monaga o ne a leboga ba David Mogoma Foundation, a supa fa leobo la kgotla e le lone le morafe o phuthaganelang mo go lone fa go na le bokopano kgotsa tiro nngwe mo motseng. health 6 Go tlhokomela matimela go turu Mopalamente wa Letlhakeng Botlhaba, Rre Liakat Kablay a re mo phuthegong ya palamente e e latelag, puso e tla a seka seka molao wa matimela. E rile a buisa phuthego kwa Letlhakeng ka Labobedi, Motsheganong a tlhola malatsi a le masome mabedi le bosupa, Rre Kablay o ne a tlhalosa fa puso e babaletswe ke go tlhokomela dikgomo tsa matimela ka jaana go le turu. O ne a fa sekai ka tsamaiso ya gompieno e e mo molaong ya gore puso e tlhokomele dikgomo tsa matimela sebaka sa dikgwedi tse thataro pele ga e ka di rekisa fa di sa bona mong. A re dikgwedi tse thataro di dintsi thata ka jaana puso e tshwanelwa ke go nosa, go jesa ga mmogo le go duela badisa fa dikgomo tse di santse di emetse go batiswa beng. A re go baya dikgomo mo tlhokomelong ya puso go ka nna le ditlamorago tse di maswe ka jaana puso e ka tlamega go phimola beng ba tsone dikeledi fa dika swa kgotsa tsa golafala dile mo tlhokomelong ya yone. Rre Kablay o ne a bolelela batho ba motse oo gore go tla nna le therisanyo ee tseneletseng lefatshe ka bophara pele ga go ka fetolwa ditsetlana dingwe mo molaong oo. Mo go tse dingwe Rre Kablay ne a lekodisa batho ba motse oo fa seemo sa itsholelo mo lefatsheng leno se supa fa se tokafala, mme a ba tlhalosetsa gore fa se nna botoka puso etla leka pele go araba dilelo tsa Batswana mo dilong dingwe tse ba saleng ba di kopile fa itsholelo e santse e le maswe. Rre Kablay o ne gape a ba lekodisa ka kgaoganyo ya madi a setshaba, a supa fa lephata la thuto le filwe madi a a fetang a maphata a mangwwe otlhe ka jaana le na le dikgwetlho di tshwana le go wela tlase ga maduo a ditlhatlhobo. O ne gape a tlhalosa fa puso e lekile go tokafatsa seemo sa badirelapuso ka go oketsa madi aa fiwang baba berekelang kgakala le ditlamelo (RASA) ga mmogo le go oketsa ba ba ka akolang lenaneo la go ikopela madi a go aga matlo la SHHA. O gakolotse batho ba motse wa Letlhakeng go tsaya mananeo a puso, bogolo jang a temo ka tlhwaafalo ka jaana a na le maduo a a nametsang. Rre Kablay a re go a tshwenya go bona batho bana le mokgwa wa go tlogela temo ba sia le ipelegeng, ntswa maduo a temo a nametsa go na lea ipelegeng. O ne a fa sekai ka kgetsana ya dinawa, e a reng e lopa P700 ka ditlhwatlhwa tsa gompieno En rile ba mo kgwa dikgaba, batho ma motse oo ba ne ba lela ka go tlhaelelwa ke dikoloi ke ba sepodise sa Letlhakeng, ba re se lo se se dirile gore seemo sa borukutlhi seye kwa godimo mo kgaolong ka jaana magodu ba setse ba lemogile fa mapodise a sokola go tsibogela dipego ka pela. Ba ne gape ba kopa gore bodiredi ja sepodise bo okediwe, mme ba kopa le gore go okediwe dikatso tsa mapodise a baithaopi. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya motse oo, Mme Maikgodiso Moshe ene o ne a lebogela puso mananeo a tshwana le la ISPAAD, ga mmogo le le lesha la tirelo setshaba, a re le thusitse thata go fokotsa mosuke wa ipelegeng bogolo jang mo bananeng. Erile a ba araba, Rre Kablay o ne a solofetsa batho ba motse o o fa a tla bua le bagolwane ba sepodise ka mathata a sepodise sa Letlhakeng, mme a supa fa a tshwenngwa ke gore sepodise ke lengwe la maphata a a neng a busa madi a se kana ka sepe mo ngwageng wa madi oo fetileng ba sa a dirisa. Rre Kablay o ne gape a lebogela batho ba motse wa Letlhakeng tirisanyo mmogo ya bone mo dingwageg tse tlhano tse a neng e ntse ele mopalamente wa bone. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Banana ba tshaba madi a lenaneo Tona wa lephata la banana, metshameko le tlhabololo ngwao, Rre Thapelo Olopeng a re banana, bogolo jang ba ba kgakala le ditoropo ba tshaba go tsaya madi a banana. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama kwa Qabo bosheng, Rre Olopeng a re go supafala fa go busiwa sephatlo sa madi banana, mme ba ye go kopa dithuso kwa maneneong a madi a a sa busiweng, bangwe ba ye Ipelegeng. A re se se dire gore mola wa go ikopela dithuso tsa nyeletso lehuma le mo mananeong a madi a a sa busiweng o nne moleele. Rre Olopeng o ne a kgothatsa banana go tsaya manaeno a ba a tlhametsweng go simolola digwebo di tshwana le go rua dihutshane tse a reng di a tlhaela mo lefatsheng leno, go na le go ya Ipelegeng. Go le pele modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Bojosi Leburu o ne a supa matshwenyego a gore banana ba lwela Ipelegeng le bagolo. Moagi wa motse oo, Mme Catherine Camm, a re fa kokelwana potlana ya bone e fetiseditse balwetse kwa sepatela sa Gantsi, se le sone fa gongwe se ba fetisetsang kwa Maun kgotsa kwa Sepateleng sa Marina kwa Gaborone, fa ba tswa koo ga twe ba ipuse e bile go sa lebelelwe seemo sa molwetse, e bile mo mabakeng mangwe motsetsi a belege pele ga nako. Mokwaledi wa lephata la botsogo le boitekanelo, Mme Shennaz El-Halabi a re se ga se tsamaiso ya lephata la gagwe. A re tsamaiso ke gore fa kokelwana e fetiseditse molwetse kwa kokelong e tona ba tshwanetse go mmusetsa kwa motseng wa gagwe. O ne a tlhalosa gore go atolosiwa ga dikokelwana go nna dikokelo go tsweletse mme ba dira jalo ba lebile letlhoko, ka madi a sa lekane go di dira tsothe nako e le nngwe. Mookamedi wa sepodisi sa kgaolo eo, Rre Cyprian Magalela o ne a tlhalosetsa banni ba koo gore ga go na thulaganyo ya go aga diofise tsa sepodisi mo motseng wa Qabo. Rre Magalela o ne tlhalosa gore diofisi tsa sepodisi di agwa go lebilwe seemo sa borukutlhi, mme seemo sa borukuthi koo se santse se le kwa tlase. O ne a tlhalosa fa e tlaa re ngwaga o o tlang go agwe diofisi tsa sepodisi kwa Ghanzi. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Botsogo ga se jwa mmele fela Moruti wa kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) kwa Palapye, Reverend Khutsafalo Magosi, a re botsogo jo bo siameng bo akaretsa botsogo jwa mmele, tlhaloganyo le maikutlo a motho. Fa a bua kwa letsatsing la dithuto seka dipuisanyo ka tsa botsogo le le neng le rulagantswe ke ba sekole sa Moeng College bosheng, Reverend Magosi o boletse fa gangwe le gape fa go buiwa ka botsogo jwa motho go bo go tlogelwa kwa ntle botsogo jwa tlhaloganyo le maikutlo. A re go botlhokwa thata gore e re go twe motho o a tsoga go bo go lebilwe gore tlhaloganyo le maikutlo a gagwe di iketlile ebile di mo seemong se se siameng. A re tlhaloganyo le maikutlo ke tsone mmangmang ebile ke tsone tse di ka letlang motho go ntsha maduo mo tirong. Reverend Magosi a re fa maikutlo, tlhaloganyo le mmele di tsogile sentle mmereki ga a na go nna a ikopetse ruri mo tirong mme o tla a remelela mo go ntsheng maduo. O ne a rotloetsa boeteledipele jwa sekole se segolwane sa Moeng College go tshwara thuto seka dipuisanyo ka tsa botsogo kgapetsakgapetsa gore badiri ba kgone go itlhatlhoba malwetsi a a farologaneng le go ithuta ka tse di amang botsogo jwa bone. Reverend Magosi a re motho o tshwanelwa ke go tlhokomela mmele wa gagwe ka go ja dijo tse di siametseng mmele di tshwana le dijo tse di senang mafura a mantsi, dijo tse di senang letswai le lentsi go fema malwetsi a tshwana le jwa madi a a kwa godimo. Mo go tse dingwe Reverend Magosi o ne a re batho ba tshwanetse go ikanya lefoko la Modimo ka e le lone le le ka agang tlhaloganyo le maikutlo. A re motho ke sebopiwa sa Modimo ebile o tshwanelwa ke go tshela botshelo jo bo phepa gore a lelafatshe botshelo jwa gagwe. Morutabana wa dithuto tsa kapei kwa sekoleng sa Moeng College Mme Peloewetse Garegope o ne a rotloetsa badiri ka ene go ja dijo tse di nang le tsotlhe tse di tlhokafalang. A re ba tshwanelwa ke go ja dijo tse di senang sukiri e ntsi kana di sena sukiri gotlhelele go nna le botsogo jo bo siameng. O tsweletse a re mmele o motona ga o a siamela botsogo jwa motho ka jalo ba tshwanelwa ke go fokotsa mebele ya bone. religion_and_belief 8 Ba kopiwa go aba madi Banni ba Serinane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba kopilwe go aba madi a mmele. Seo se builwe ke mooki wa sepatela sa Scottish Livingstone kwa Molepolole, Mme Alice Lebogang . O kaile gore go botlhokwa go aba madi a mmele ka madi a dirisiwa ka nako tsa bangwe ba amegile mo dikotsing ba latlhegelwa ke madi a mantsi kana bomme ba ba itsholofetseng ka nako ya pelegi. Mme Lebogang o ne gape a supa gore motho o tshwanetse gobo a ka aba madi a sa lwale bolwetsi jwa kgotlholo e tona,ana le mogare wa HIV kana a na ke bokete jwa mmele jwa selekanyo sa masome a matlhano go ya kwa godimo. O tsweletse ka go supa fa madi a mmele a tlhokega ka nako tsotlhe.O supile fa mo mothong ba kopa madi a selekanyo sa kopi. O ne a supa gape gore batho ban ne le tshepo mo go bone ka ba tlhatlhoba madi fa a tsena kwa Gaborone. O ne a tlhalosa fa ba tlhatlhoba malwetsi mo mading ao gore a seka a fetisetsa bolwetsi mo go yo mongwe.Mongwe wa banni ba motse oo Mme Malebogo Pilane one a botsa gore bat la itse jang gore a gona le malwetsi mo mading ao. health 6 Koporase ya batshwara ditlhapi e gatetse pele Modulasetilo wa koporase ya mabogodika ya batshwara ditlhapi kwa Sehitwa kwa Lecheng la Nhabe, Rre Bareetsi Bogaisang, a re maikaelelo a bone a go aga koparase ya batshwara ditlhapi kwa motseng oo a tsweletse sentle. Fa a lekodisa maloko a komiti a re ba tsweledisa se ba kileng ba bua ka sone mo nakong e e fetileng, a tlhalosa fa maikaelelo a matona a koporase eo e le go ntsha batshwara ditlhapi ba ba sa kgoneng mo lehumeng la nta ya tlhogo ka go ba rekisetsa ditlhapi kwa mebarakeng gore ba kgone go itsweledisa mo botshelong. A re ba ne ba dumalana gore koporase e reke didirisiwa jaaka dikepe, matloa le tse dingwe mme a re mogopolo oo ba o boetse morago morago ga go bona dikgakololo tse di neng di ba supegetsa fa ba tlaa nna le ditatlhegelo go feta fa ba ka reka ditlhapi fela mo batshwaring ba tsone ba bo ba ba rekisetsa. Rre Bogaisang a re go kopana ga bone kgapetsa kgapetsa go a ba thusa, a tlhalosa gape gore kgwebo e gole sentle e bo e nne le maduo a mantle ke go ruta bone batho ba yone, a re e le koporase ba ikaelela gore fa ba ka tsamaya sentle mo kgwebong ya bone e re mo nakong e e tlang ba bo ba ka kgona go tsenya tlhapi ya lecha leo mo dithining mme ba e rekise le kwa mafatsheng a mangwe. Fa a bua ka leswe le le diragalang kwa dikampeng tsa batshwari o tlhalositse fa a setse a ikopantse le mongwe kwa motseng wa Toteng go bona gore a mateng a ditlhapi tse di tshwarwang koo ga a kake a dirisiwa jaaka menontshane. Modiri go tswa kwa LEA Rre Noseko Keemetsekgosi o ne a ba gakolola ka dilo di le dintsi gore ba kgone go fitlhelela se ba se batlang, o ne a re ba tshwanetse ba itse gore ke eng ba batla go dira koparase, a tlatsa ka gore ba tshwanetse ba itse sentle gore ba ne ba gwetlhilwe ke gore Batswana ba jewa ntsoma segolo jang ke batswakwa mme ba batla go ba thusa, gore ba buwe ka lentswe le le lengwe. O ne a tswelela a ba rotloetsa go itse se tota kgwebo e leng sone, a re ba itsee tsia gore ba kgone go felela ba fitlheletse le gone go bona dithuso tse ba di tlhokang, a bo a ba gakolola gore go itse go bapatsa kgwebo ke yone konokono ya kgwebo a tlhalosa fa e le yone pelo e bile a re kgwebo fa e bapadiwa sentle ga go motlhofo gore e ka phutlhama. A re fa ba e bapaditse sentle ba tshwanetse go itse gore go na le dilo dingwe tse di tlaa batliwang kwa di bankeng. BOKHUTLO society 9 Setshwarwa ke ntsa pedi Tona wa lephata la temo thuo, Rre Patrick Ralotsia, o kopile banni ba Pilikwe mo kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami go ipopa ditlhopha go kgona go ithekele didirisiwa tsa temo. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama bosheng, Rre Ralotsia o kopile banni gore e re ka puso e santse e tlhaelelwa ke madi ba kgona go ipopa ditlhopha ba ithekele didirisiwa jaaka dipolantere le diterekere. Tona o ne a tlhalosa fa go ka nna motlhofo gore balemi barui ba kgone go tlhokomela le go bona gore didirisiwa tseo di mo seemong se se siameng ka bogautshwane go nale fa di le ka fa tlase ga puso, a tlatsa ka gore puso e na le dikgwetlho le dithoto tse dintsi. O ne a ba kopa gore gape fa ba ipopile ditlhopha go ka nna motlhofo go reka se se tlhaelang mo temong. A re mo kgaolong ya bone go nale diterekere di le lesome le borataro tse di mo tirisong le dipolantara di le robongwe fela. A re se, se ka ba tswela mosola fela fa bone ba ka ema ka dinao go di oketsa. Fa a bua ka dikgang tsa letlhoko la koloi, tona o ne a tlhalosa gore go na le koloi e le nngwe e e thusang mo metseng ya Ramokgonami.Pilikwe le Tumasera, mme sebe sa phiri ke gore koloi e e kgologolo ka jalo e senyega kgapetsakgapetsa. Rre Ralotsi o ne a bua mafoko a, a araba dilelo tsa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Pilikwe Mme Semochi Kefhilwe yo o neng a tlhalosa fa go nale tlhaelo ya didirisiwa tse di lemang ka ditselana mo motseng wa bone. Mme Kefhilwe a re tlhaelo e e baka gore balemi bangwe ba felele ba sa lema ka didirisiwa di le dinnye. O ne a gape a tlhalosa fa ba sena koloi e e ba thusang mo motseng wa bone. E rile a mo kgwa dikgaba mo boemong jwa tona wa metsi le kgotetso, tona wa lephata la dikago, boitseanape le boranyane Rre Nonofo Molefhi a tlhalosa fa tlhaelo ya metsi e dirwa ke tshenyego ya didiba tsa Pilikwe/Mhalapitse. Rre Molefhi a re metsi one a teng mo didibeng mme go senyega go dira gore go nne le tlhaelo ya metsi mo motseng. politics 7 Seelo sa ditirelo se tlaa kalwa Mothusa tona mo ofising ya merero ya ga Tautona le bodirelapuso, Rre Dikgang Makgalemele a re puso e tlaa simolodisa lenaneo le ka lone e tlaa kalang seelo sa ditirelo tse di amang mananeo a tshwana le la nyeletso lehuma go bona gore a di a diragadiwa le gone gore a di goroga sentle kwa setshabeng. Thulaganyo eo, e ka sekgoa e bidiwang Village Score Card, e tlaa simolodisiwa mo metseng morago ga gore puso e lemoge fa mananeo a saletse kwa morago, segolo jang mo dikgaolong. Mothusa tona o buile se kwa phuthegong ya kgotla kwa Lephephe bosheng. Le fa setshaba se ngongoregela go tlhoka go thusiwa sentle, mothusa tona o akgotse tiro e ntle e e dirwang ke badirelapuso, a kaya fa go le gantsi ba berekela mo mabakeng a a thata jaaka letlhoko la boroko le tsone dituelo tse di kwa tlase. A re puso e itlamile go tokafatsa diemo tse bodiredi bo direlang mo go tsone. Rre Makgalemele o kopile morafe gore go nne le tirisanyo mmogo magareng ga one le bodiredi. A re puso e dirile ditsela di le mmalwa go tokafatsa ka fa setshaba se bonang ditirelo ka teng. Nngwe ya ditsela tseo ke dikopelo tse di supang maina a badiri. Se ke tsela nngwe e e ka thusang ba ba fiwang ditirelo go itse gore ba ne ba thusiwa ke bomang le gore fa ba sa kgotsofalela ka fa ba thusitsweng ka teng go nne motlhofo go ka fetisetsa dingongora tsa bone kwa pele. Mo godimo ga moo, Rre Makgalemele a re puso e ikaeletse go fedisa lehuma ngwaga o o tlang ka Moranang mme e dira gotlhe mo e ka go kgonang go diragatsa seo. A re le ntswa puso e itse ka madiadia a a aparetseng lenaneo la nyeletso lehuma, a re ba itlamile go fokotsa melala eo mo nakong e e sa fediseng pelo gore batho ba kgone go thusiwa. Godimo ga moo, o bile a sedimosa gore puso e beile ba-na-le bogole kwa pele mo goreng le bone ba akole mananeo a puso. A re ba-na-le-bogole ga ba a tshwanela go botsolotswa mo go tseneletseng gore ba fiwe mananeo. O tladitse ka gore batsadi ba ba tlhokomelang ba-na-le-bogole ba na le tshwanelo ya go thusiwa ka mananeo a nyeletso lehuma ka gore ga ba kgone go itirela sepe fa ba tlhokomela batho ba go nna jalo. A re mananeo a tshwana le a go agela batlhoki, ga a a tshwanela gore e nne mokgweleo wa puso e le nosi. Ke ka moo a kgothaditseng morafe go tla ka methale e mengwe e ba ka e dirisang go tsenya letsogo mo go nyeletseng lehuma mo metseng ya bone le go thusa bangwe ka bone ba ba dikobo dikhutshwane. Mothusa tona o ne a nankola dingwe ditsela tse morafe o ka lwantshang lehuma ka tsone. O file sekai sa go re ba ka ipopa ditlhopha mme ba kwadisiwe ka fa tlase ga lenaneo la dikoporase fa ba batla go dira dikgwebo. A re go dira jaana ba ka iphira ba le bantsi. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Goabaone Basimolodi, a re ba lebogela lenaneo la Ipelegeng ka ba kgonne dilo dingwe ka lone. A re ga ba wele mo isong fa e sa le lenaneo leo le simologa ka ba kgonne go ipulela madirelo a ditena ka Ipelegeng. O tladitse ka go re ba ikaelela go aga ntlo ya mabeelo e e nang le ofisi. A re sebe sa phiri ke gore badiri ba Ipelegeng ba a tlhaela mme a kopa go okelediwa dipalo tsa badiri. E re dikgang di eme jalo, bangwe banni ba leletse mo go mothusa tona gore moepo wa Ghaghoo ga o ba solegele molemo ka o paletswe ke go ba tlhamela ditiro jaaka ba ne ba solofeditswe. economy_business_and_finance 3 Ba Takatokwane ga ba tsene diphuthego Kgosi Motsiele Tsiane wa Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng a re ga a itumedisiwe ke mokgwa o o supiwang ke banni ba motse wa gagwe wa go itlhokomolosa diphuthego tsa kgotla. Kgosi Tsiane o ntshitse matshwenyego a mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke ba ofisi ya ditlhopho go tswa Letlhakeng, go tla go rutuntsha banni bao ka tsamaiso ya ditlhopho. A re banni ba motse wa gagwe ba maoto a tshupa go tsibogela diphuthego le fa go dirilwe maiteko a go ba laletsa, selo se a reng se baya banni bao ka fa mosing ka jaana ba fetwa ke mananeo a puso le dikgang tsa botlhokwa tse di amoganwang kwa kgotleng e bile di ama matshelo a bone. A re go makgetho a le mmalwa maphata a puso a tshwara diphuthego mo kgotleng ya gagwe go itsese setshaba ka mananeo le ditirelo tsa puso, mme diphuthego di seke di atlege ka morafe o sa tsenelele; mme e re morago ba ngongorege ka go tlhoka kitso ka mananeo a puso. Kgosi Tsiane a re batho ba le bantsi ga ba itse ka mananeo a puso, segolo jang a a ka ba namolang mo lehumeng ka gore ga ba tsenelele diphuthego. O ne a supa fa mokgwa o, o sa siama, ka go dira jalo e le go ithontsha ditshwanelo le kitso ka dithuso le mananeo a puso e tlang ka one go leka go lwantsha lehuma. A re seemo se, se mo tshwentse fela thata fa a lebeletse gore banni ba motse oo ba bantsi ka palo mme diphuthego tsa kgotla di tsenelelwa fela ke manotonyana, e bile go supagala fa mowa oo, o golela pele. Kgosi o ne a tswelela ka go supa fa seo e le go nyatsa kgosi le lekgotla. A re kgotla ke lefelo le le botlhokwa le le tshwanetseng go tlotlwa ka go buelwa merero yotlhe ya botlhokwa teng. A re go botlhokwa gore kgosi le morafe ba kopanele kwa kgotleng go rerisana ka tsa motse, ka morero e le selo sa botlhokwa mme e bile fa go na le therisanyo go se kake ga nna le dingongora dipe. O boletse fa tshwaragano fa gare ga morafe le bogosi e le botlhokwa e bile motse o ka se tlhabologe fa motse o sa tseye kgotla ka tlhwaafalo. O kopile morafe wa gagwe go emisa mokgwa oo ka ponyo ya leitlho ka jaana go tlhabologa le go tswelelapele ga motse go le mo maruding a bone, mme a supa fa seo se ka atlega fela fa morafe o goga ele seopo. Bokhutlo politics 7 Banni ba Molepolole ba ngongoregela tiego ya ditlhabololo Banni ba Molepolole ba supile fa ba sa jesiwe diwelang ke tiego ya ditlhabololo go tla mo motseng wa bone. Banni ba buile jaana mo phuthegong ya kgotla kwa Borakalalo e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Molepolole Bokone, Rre Mohammed Khan Phukwi a le malatsi a robabongwe. Bontsi jwa banni ba supile fa ba sa itumelele tiego ya ditlhabololo di akaretsa go gokelelwa ga metsi, kgopo ya metsi a a leswe, kago ya tsela le kago ya ofisi ya mapodisi. Banni ba re tiego ya ditlhabololo tse e ba baya ka fa mosing le go ama maiteko a bone a go tlhama dikgwebo gammogo le go itsa babeeletsi go tla go gweba mo Molepolole go ba tlhamela mebereko. Banana bangwe ba ne ba supa fa ba le ’bete se molangwana ka ditsamaiso tse di batlwang go kopa madi a banana ka jaana ba kgona go batlwa lefatshe le didiba ntswa lephata la kabo ditsha le le maoto a tshupa go baya ditsha. Mongwe wa banana, Rre Boiki Ditlhobolo ene o ne a re ga a kgotsofalele tsamaiso e e dirisiwang go ikopela madi ka jaana e tlhaetsa bokgoni jwa bone. “Re le banana ga re kgone go akola mananeo ka gore ga go motlhofo go tlatsa difomo tsa go kopa madi, segolo jang fa motho a sa itewa seatla, gape re batlwa gore re bo re na le ditsha fa re direlang dikgwebo teng ntswa ditsha di tsaya lebaka go bewa, selo se se ka nyemisang motho moko,” ga bua Rre Ditlhobolo. E rile fa a rola tekodiso, Mopalamente wa Molepolole Bokone Rre Mahommed Khan a re dikgang tsa ditlhabololo tse banni ba lelang ka tsone ke tse bontsi jwa mapalamente a a fetileng a lekileng go di lwantsha mme go se nko e tswang lemina. Rre Khan a re le fa go ntse jalo, o tlaa tswelela a latedisa go netefatsa gore ditlhabololo di a goroga. A re nngwe ya tse di ba paledisang go latedisa dikgang tsa tiego ya ditlhabololo tse ke go kabakanngwa ga matona mo maphateng. “Ke le solofeditse go ya go batlisisa gore ke eng tshwanelo ya go tsisediwa ditlhabololo e sa diragadiwe, dikgang di a re ketefalela ka jaana fa o neetse tona wa lephata kgang, ga o kgone go e tsweledisa sentle, sebe sa phiri e le gore go tsile tona yo mosha,” Rre Khan a tlhalosa. Rre Khan o ne a rotloetsa morafe go tsenelela diphuthego tsa kgotla ka makatlanamane ka jaana e le yone tsela ya go itse ka tse di amang matshelo a bone. O ne a solofetsa banni fa a le mo thulaganyong le bangwe ba mafatshe a sele go tla go ba rutuntsha ka methale e e tlhabologileng ya go gweba le go itshetsa ka tiro ya diatla go leka go tlhabolola matshelo a bone. politics 7 Polao ya mosadi e tsositse diletseng Mosadi wa dingwaga tse di masome mararo wa Ngware mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng go belaelwa a bolailwe ka go tsatsankwa ka sengwe se se bogale bosheng. Matlhotlhapelo a, a tsositse kgaruru ka batsadi ba moswi ba supa sepodisi ka monwana, ba re ba diegile go tseela mmelaelwa dikgato. Mo potsolotsong le BOPA, nkuku wa moswi, Mme Letlhare Raphotsana, a re o belaela fa tiragalo e, e gwetlhilwe ke go nna maoto a tshupa ga sepodisi go tsaya dikgato mabapi le go tlhoka go tshedisanya sentle ga moswi le mokapelo wa gagwe, yo go belaelwang e le ene modira dilo. A re mo makgethong a le mmalwa ba ne ba begela mapodisi a Ngware ka ditiragalo di akaretsa dintwa tsa moswi le mmelaelwa, tse mo go tsone mmelaelwa a neng a loma moswi tsebe, go fisiwa ga dilwana tsa moswi le go neela mapodisi dithipa tse pedi tse mmelaelwa a neng a robetse ka tsone morago ga matshosetsi a polao. Mme Raphotsana a re go tlhoka go tseela mmelaelwa yoo, yo o tlholegang mo kgotleng ya Bobididi kwa Molepolole dikgato ke gone go bakileng matlhotlha pelo a. Mosadimogolo yoo, yo o dingwaga di masome a a robang bobedi le bobedi, a re o tshositswe le go hakgamadiwa ke go bona jaaka ngwana wa ngwana wa gagwe a ne a bolawa ka go tsatsankwa ka sengwe se go lebegang e le thipa. Mme Raphotsana o tlhalositse fa mmelaelwa a tlhasetse bosigo gare ka go rubelela moswi, mme a mo tsatsanka makgetho a le mmalwa, a tswa a inaya naga, a mo tlogela a thuma mo boidiiding jwa madi. Rre Gabobidiwe Moterebe o gateletse matshwenyego a gore mapodisi ba diegetse go tsibogela kgang eo, le mororo ba ne ba ntse ba itsesiwe ka yone gangwe le gape, mme go sa supege go na le kgato e e tsewang ka boitshwaro jwa mmelaelwa. Ga twe lorato lwa bobedi joo, lo go kaegang lo simolotse ka 2010, go bonetse lo tsogetswe ke dikgang mo sebakeng sa ngwaga, mo go feletseng ka go bolawa ga mme yoo.Mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng, Superintendent Kesupile o tlhomamisitse tiragalo e mo go yone go bolailweng mme wa dingwaga tse di masome mararo wa kgotla ya Selatlho kwa Ngware. O dumetse fa bobedi joo, go tlhalosega bo kile jwa nna le kgang ya go tlhoka go utlwana e e feletseng e tshololwa ke mongongoregi kwa kgotleng ya Ngware. A re mapodisi ba tshwenngwa ke bangongoregi ba ba tshololang dikgang tsa matshosetsi a dipolao, mme di felele ka botlhoko, kwa morago go supiwe mapodisi ka monwana. Rre Kesupile o tlhomamisitse fa mmelaelwa wa dingwaga tse di masome mabedi le borobabongwe wa kgotla ya Bobididi kwa Molepolole a ne a tshwarwa letsatsi le le latelang mo tshokologong kwa Botlhapatlou ka thuso ya sefofane sa mapodisi. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Bothata jwa sediba sa Medie bo tla a rarabololwa Banni ba Medie kwa kgaolong ya Kweneng ba solofeditswe fa bothata jwa sediba sa morafe le leruo bo tlaa rarabologa pele beke eno e ya bokhutlong. Erile a tsibogela matshwenyego a morafe ka bothata jwa go senyega ga sediba se se nosang leruo kwa motsaneng oo mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane, mothusa mokwaledi wa khansele mo kgaolong ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Gofaone Kgamanyane, a solofetsa fa kgato e tserwe go tlhomamisa go boela mo tirisong ga sediba se se nosang dikgomo tsa morafe kwa motseng oo. Rre Kgamanyane o ne a tsibogela matshwenyego a morafe ka bothata jwa gore go senyega ga sediba sa morafe se se nosang leruo le batho ba ba kgakala le ditlamelo se sa le se senyegile. Mothusa mokwaledi legale o boletse fa a na le tsholofelo ya gore sediba se tlaa bo se boetse mo tirisong pele beke eno e ya bokhutlong, a supa fa tiego e bakilwe ke bothata jwa go senyega ga sego sa sediba fa mathata a teng one a rarabolotswe. Batho ba Kweneng mo go bone go le Kgosi Kgama ba ne ba kopa gore go tsibogelwe paakanyo ya sediba go hema go ya le naga ga leruo la bone lotlhe le tsoma kwa le ka bonang metsi teng. E re ntswa go kaiwa sediba seo se ne sa emisiwa go nosa morafe mo lebakeng le le fetileng ka bothata jwa gore metsi a sone a ne a kgotlelesegile. Morafe o kopa go rebolwa go nwa metsi ao fela ka ba re ba tlhobogile koporase ya metsi ya WUC. Ba re maiteko a dirilwe gangwe le gape go lela ka seemo sa tlhaelo ya metsi kwa motsaneng wa bone mme seemo ga se tokafale. Ba re le fa ofisi eo e amogela ditaletso tsa diphuthego tsa matona, go ka tla go arabela matshwenyego a metsi ba tswelela ka go ipaa moriti o tsididi. Rre Phemelo Mosidi o ne a kopa gore ba direlwe thulaganyo ya go reka dicoupon tsa metsi gaufi go na le go ya bokgakala ja Molepolole ba dirisa madi a a fetang a ba rekang metsi ka one le mororo metsi a seke a nna teng. Rre Mosidi a re e tlaa bo e le maithamako fela go solofela gore seemo sa thuto kwa motsaneng oo se ka tokafala fa bana ba santse ba ya sekolong ka tlala ba sa tlhapa gangwe le gape. Mopalamenete Seretse yo a bileng a le tona wa papadi le madirelo, o dumetse fa bothata jwa tlhaelo ya metsi bo ama lefatshe ka bophara segolo jang kgaolo ya borwa e e senang metswedi epe ya metsi, a supa gore karabo e ba tleng ba e bone ke gore bothata mo mabakeng a mangwe bo bakwa ke kgaogo ya motlakase. Batho ba Medie le Kweneng ba ngongoregile gape ka ofisi ya boipelego gore ga e ba thuse, ba supa fa go tsenngwa ka fa tlase ga ofisi ya boipelego ga lenaneo la batho ba dikgaolo tse di kgakala le ditlamelo la RADP go ba beile ka fa mosing ba re go ba fetotse bangongoregi ka go sa thusiweng ka fa tshwanelong. Mme Keolebogile Chanakane o ne a supa gore bana ba dikolo ba sokola go thusiwa jaaka fa ele thuganyo nako tshotlhe fa dikolo di bulwa kgang e ofisi ya RADP eneng e dira ka thelelo. Mongwe wa banni ba Medie Rre Merriweather Gideon fela jaaka dibui tse dingwe o kopile ofisi ya khansele go tsaya kgato ka seemo sa ofisi ya boipelego kwa kgaolong eo ka jaana ba re ga e ba solegele molemo ka gope. BOKHUTLO society 9 Puso e tsaya bogosi tsia Mokwaledi wa ga Tautona, Rre Carter Morupisi, a re puso e tsaya tsia tsamaiso ya bogosi ka jaana e le pinagare ya setshaba. Rre Morupisi o ne a bua jalo kwa peo semmusong ya ga Kgosi Dikakanyo Otukile wa Malaka beke e e fetileng. O boletse fa go tswa goolowe, bogosi mo merafeng ka go farologana bo ntse bo le teng. A re go botlhokwa thata gore puso le bogosi di dire mmogo go tlhabolola matshelo a Batswana. Rre Morupisi o ne a kgothatsa Kgosi Otukile go ithuta le go itse ka tsamaiso ya mananeo a puso ka go farologana ka morafe wa gagwe o tlaa bo o lebile mo go ene go ba etelela pele le go ba gakolola go dirisa dithuso le ditsamaiso tse di leng teng. A re badirelapuso ba ba mo motseng wa ga Kgosi Otukile ba mo diatleng tsa gagwe gore a ba dirise go tlhalosetsa morafe wa gagwe ka mananeo a puso. A re puso e dirile gore ka maemo a kgosi e nne leloko la dikomiti jaaka tsa ditlhabololo tsa motse, tsa temo-thuo, le dikomiti tsa badirelapuso le go netefatsa gore o nna a na le kitso le seabe mo go tsotlhe tse di diragalang. O boletse fa se se thusa gore dikgakololo tsa ga Kgosi Otukile mo go tsa ditlhabololo le matshelo di utlwale motse ka bophara. A re go botlhokwa thata gore e re a rwele maikarabelo a a kana a ithute ditsamaiso gore a nne le kitso ya go tsamaisa dilo ka tsela e e sa gotlhagotlhaneng le melao e e dirilweng ke palamente. O tsweletse a re go botlhokwa go ithuta ka melao e e tsamaisang ditsheko. A re puso ya batho ka batho e dira botoka fa go na le neelano fa gare ga puso le setshaba. O ne a kgothatsa Kgosi Otukile go amogela se, e le boikarabelo jwa maemo a gagwe. Rre Morupisi o ne a kgothatsa kgosi gore a amogele setshaba sa gagwe sotlhe ka dipharologanyo tsa sone e le tsa ditumelo, merafe ka go farologana kgotsa tsa sepolotiki. A re kgosi thotobolo e olela matlakala mme se se tlhoka bopelotelele ka tiro e kgolo ya gagwe e le go bopa setshaba. politics 7 Bulelang setshaba dikgoro tsa diofisi - Botlhole Motse wa Kanye mo kgaolong ya Borwa le one o na le banana ba ba kgathalelang go tsosolosa ngwao ya Setswana ka botswerere jwa bone. E rile go bona e kete ngwao e nyelela ka monokela, Motlhami wa setlhopha sa Maswailathota Rre Tshepho Digwaamaje a bona go le maleba gore a dirise botswerere jwa gagwe jwa mmino wa Setswana go tsosolosa ngwao ka go tlhama setlhopha sa Maswailathota. Mo potolosong le Rre Digwaamaje yo o tshotsweng ka 1984 mo Kanye a re o simolotse go dirisa neo ya gagwe a le kwa sekoleng se sebotlana mo Kanye. Le fa go ntse jalo Rre Digwaamaje o tlhalositse gore o tsene mo mererong ya moopelo ka 2009, a patagane le Tshiamo Motlhankanyane yo o itsegeng ka leina la Swailaman mo bodiragatsing, a tlatsa ka gore kgatiso ya bone ya ntlha e ne ya seka ya dira sentle. Rre Digwaamaje yo gape a tlhomilweng modulaetilo wa dikgaolo tsa South-South-East ke ba lekgotla la baopedi (BOMU) o ne a itlhamela setlhopha sa gagwe a le nosi ka 2013, mme a gatisa dipina tsa Maswailathota e le yone kgatiso ya ntlha. A re Mofuta wa mmino o a o digagatsang ke o o tlhakantseng mmino wa Setswana le dikhwaere. Rre Digwaamaje o supile gore Batswana ba amogetse dipina tse di mo kgatisong eo. A re dipina tsa Maswailathota di bua ka ngwao ya Setswana mme Batswana ba supa fa ba di amogela ka mabogo oo mabedi ka e bile kgatiso eo e humile puo e e nonneng ya setswana. O tlhalositse fa ba le barataro mo setlhopheng. O tlhalosa gore morago ga go gatisa dipina o ne a bereka le Gong Master yo le ene e leng seopedi sa mmino wa Setswana. O tlhalositse fa ba ne ba tsaya maeto a go supa bodiragatsi go raralala lefatshe la Botswana ba le mmogo, ga mmogo le ko ntle ga Botswana jaaka Aferika Borwa. Rre Digwaamaje a re go tsaya maeto le Gong Master e ne ele tsela nngwe ya go mo supa mo batswaneng, mme ga mo godisa thata. Rre Digwaamaje a re e ne e re le fa ba tsena kwa ba diragatsang teng Gong Master a mo fe nako ya go diragatsa pele mo seraleng go mo rotloetsa. A re o motlotlo ka Gong Master ka gore fa e ne e se ka ene o kabo a se fa a teng ka mmino wa gagwe. A re ntswa Gong Master a akgiwa ke ditiro tse dintsi, hela o ntse o mo legetleng la gagwe go mo fa thotloetso le dikgakololo. Rre Digwaamaje o tlhalosa gore o tsweletse ka go ikitsise Batswana ka go diragatsa mo meletlong ka go farologana, le go etela ko Btv a diragatsa mo lenaneong la Mokaragana. O tlhalositse gape gore le mo diromamoweng ba tshameka dipina tsa gagwe. Digwaamaje a re fa a kwala pina, ga a kwalele monate fela mme o fetisa molaetsa, a a fa sekai ka pina ya bobedi e e buang ka majako, le metseko jalo. O supile gore fa a bidiwa mo ditirong di tshwana manyalo o tla ka dikatara hela mme a nne le bokgoni jwa go feta a tlhama pina gone foo a itebagantse le se e tla bong se diragala mo nakong eo. A re dilo tse ke dingwe tse di mo farologanyang le dioopedi tse dingwe tsa mmino wa setso. Rre Digwaamaje a re dingwe tsa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone di akaretsa letlhoko la madi go ntsifatsa dikgatiso tsa bone. A re le fa go ntse jalo ba leka go kopa thuso ya madi mo dikomponeng tse di ikemetseng ka nosi, a re mme go a swabisa ka gore ba thusa ba ba setseng ba tumile pele. O file sekai a re fa ba diragatsa go kgona go twe ba bine mahala gore ba ikgodise mme morago go duelwe modiragatsi yo o tumileng yo baa bong ba na le ene mo nakong eo, bone batswe hela ba iphotlhere. Le fa go ntse jalo Rre Digwaamaje a re fa ba ne ba na le kemo-nokeng e ne e ka re mo ngwageng tse tlhano ba bo ba segile tema e tona ya bodiragatsi, a tlatsa ka gore ba ne ba tlaa tsenya lesedi mo go ba ba tswang kwa tlase ga gagwe. O rotloeditse Batswana go reka dikgatiso tsa nnete e seng tsa maitirelo gore le bone ele baopedi ba kgone go itshetsa. Fa a tlhalosa leina la Maswailathota a re le raya dikgomo tse di godileng di sena tlhokomelo, nako e ntsi di sa gorosiwe di bo di felela di golela fela mo poeng. O tlhalosa gore pina ya gagwe ya ntlha, A re mme mo pineng e ba patagane le setlhopha sa Kgokgonono. Pina ya bobedi, Pina ya boraro, Are pina e, e tlhakantse borankana le poko, a tlatsa ka go re ba patagane le Kgotobela mo go yone. Pina ya Pina ya botlhano, Pina ya borataro, Diphatlha tsa ditiro tse di duleng ga di anamisiwe gore mongwe le mogwe a bone a iteke lesego mme go felela go firwa ka losika le ka pipamolomo. Pina ya bofelo e e reng Monna o ya go berekela kgakala le mosadi mme fa a tsena koo o iponela mokapelo yo mongwe, mosadi le ene a felelele a batla monna yo mongwe. Pina e ga e a itebaganya le banyalani fela mme e tlhalosa gore go tla go gata mmu wa mo gae ke sengwe se se mosola. Rre Digwaamaje o rotloeditse ba ba batlang go tsena mo mererong ya mmino gore ba seka ba dira ka go etsa ba bangwe mme ba dire ka gore ba na le lerato mo go se ba se batlang go se dira. O boletse fa kopelo e le neo. politics 7 Dirisang diofisi - Kokorwe Motsamaisa dipuisano tsa palamente Mme Gladys Kokorwe o gakolotse banni ba kgaolo ya Mahalapye Bophirima go etela ofisi ya mopalamente wa bone go bona dithuso. Mme Kokorwe o buile se fa a ne a lekodisa banni ka mo phuthegong e mo go yone a neng a lekodisa batho ba kgaolo eo ka ditsamaiso le ditiro tsa palamente mo kgotleng e tona ya Mahalapye bosheng. A re ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe go etela ofisi eo go ka kopa thuso, ka e bile babereki ba yone e se ba sepolotiki mme e le babereki ba puso. O ne a tlholosa gape gore babereki bao ba emetse mopalamente ka jalo ba seka ba ipona tsapa ba re ba emetse mopalamente go tla, ka le bone ba ka ba thusa. Mme Kokorwe o ne a tswelela ka go tlhalosetsa ba bna neng ba tsene phuthego eo fa maikemisetso le tiro ya palamente e le go dira melao le melawana ya tsamaiso ya lefatshe, go kgaoganya madi a setshaba gammogo le go ela tlhoko go bona gore maphata a lesome le borataro a mmuso a dira ditiro tsa one ka matsetseleko. A re palamente ya lefatshe leno e bopilwe ka mapalamente a le masome a matlhano le bosupa a a tlhophilweng ke setshaba le a le marataro a a itlhophetsweng ke palamante go balelwa le Tautona le motsamaisa dipuisano tsa palamente ba ka bobedi ba tsenang mo palamenteng ka maemo a bone. E rile a itebaganya le mapalamente ka sebele, a bolela fa tiro ya bone e le go tsaya megopolo mo batlhophing go e isa kwa palamenteng le go tlhalosetsa setshaba ka melao e e dumalanweng ke palamente fa batlhophi bone boikarabelo jwa bone e le go neela baemedi ba bone megopolo le dikakanyo tse di ka dirisiwang go tokafatsa matshelo a bone. E ne ya re ba mo kgwa dikgaba banni ba Mahalapye ba mo lebogela tiro e e botlhokwa e a e dirang ya go tsisa palamente kwa go bone. Mongwe yo o neng a tsene phuthego eo, Rre Kgomotso Moilwa o ne a tlhalosetsa Mme Kokorwe gore ga ba itumedisiwe ke tlhopho ya mapalamente a a itlhophelwang ke palamente ka bone e le batlhophi ba a bo ba sa ba batle. A re bontsi jwa bone o fitlhela e le ba batlhophi ba sa ba tlhophang mme fa ba tswa foo ba a tlhophiwa ba bo ba fiwe maemo fela a a kwa godimo. Rre Sammy Hosea ene o ne a kopa gore a segologolo sa go tsaya megopolo mo bathong se boele ka se se dira gore gantsi batho ba seka ba itumedisiwa ke melao mengwe. Rre Hosea a re go kilwe ga bo go tsewa maikutlo a batho pele go ka dirwa melao mme se, se fetogile, ka jalo a kopa gore pele melao mengwe e ka rurifadiwa fa e le melao Batswana ba nne le seabe. E ne e rile go le pele modulasetilo wa komiti e tona ya ditlhabololo tsa motse wa Mahalapye Rre Goabaone Ntapu a kopa Mme Kokorwe gore a go ka se tokafatswe dikomiti tsa palamente le ka fa di dirang ka teng. Rre Ntapu o ne a kopa Mme Kokorwe gore gape e le Batswana ba ka eletsa go nna ba bona dikgang tsa palamente mo setshwantshong sa motshikinyego, go bona tota gore go diragala eng. O ne a gakolola gape gore mapalamente a tshwanetse go rotloediwa thata go itse se ba se etseng kwa palamenteng, gammogo le boitsholo jwa bone go papamatse se ruri tshaba ya Botswana e ntseng ka teng, ka fa ba sa itseye sentle, go direla lefatshe leina le le sa siamang. Rre Ntapu o ne a leboga go menagane Mme Kokorwe go tsamaya le lefatshe a lemotsha le go ruta Batswana ditirelo tsa palamente le gore go diragalang eng kwa palamenteng, a tlatsa fa dithuto tse di le mosola fela thata. BOKHUTLO society 9 Fifing go tshwaranwa ka dikobo Modulasetilo wa mokgatlho wa Leotwana la Kuela Moeng mo kgotleng ya Boswelakoko kwa Molepolole, Mme Olga Mohwasa, a re go botlhokwa go lemoga le go tshwara ka letsogo ba ba wetsweng ke seru. O buile se bosheng fa mokgatlho o ne o abela lelwapa la ga Mme Keanole le Rre Serotela Modiakgotla dimpho tsa diaparo, dikobo le dijana morago ga gore ntlo ya bone e jewe ke molelo. A re tiragalo ya go shwelwa ke ntlo e botlhoko thata ka jalo maloko mokgatlho wa bone a ne a ikanapa mme ba gopola bangwe ka bone gore ba ba lemotshe fa ba na le bone mo kutlo botlhokong eo. Mme Mohwasa a re mokgatlho o o nang le maloko a le masome a matlhano le metso e le mene, o thusa mongwe le mongwe fa a wetswe ke seru mme gape o thusa maloko fa ba tlhokafaletswe. O boletse fa bontsi jwa maloko a mokgatlho e le bomme a tlatsa ka gore o na le maloko a borre ba le bane fela mme a re o kgothatsa borre go inaakanya le bone gape a tlatsa ka gore maloko a masha le fa e le bomme ba a amogelesega. Mme Mohwasa a re mokgatlho o o gwetlhilwe ke letshego la setshaba se se kutlwelobotlho e bile e kgathala. Leloko la lelwapa leo Mme Mable Modiakgotla o ne a nesetsa mogopolo wa leotwana pula, a tlatsa ka gore tiro e ba e dirileng e itumelelwa segolo bogolo ke Modimo, mme a ba eleletsa masego gore ba tswelele ka tiro eo. Kgosana ya kgotla ya gooRatshosa, Rre Timothy Gaealashwe le ene o ne a lebogela tiro e, mme a supa fa tota leotwana le, le dirile se se tshwanetseng ka nako e e maleba a tlhalosa fa tiragalo e ya gore ntlo e jewe ke molelo e ne e latela fela moraganyana ga sehularong sa motsadi wa lelwapa leo. O ne a wetsa mafoko a gagwe ka go kgothatsa maloko go tswelela ba dira tiro e mme a re selo se, se seka sa felela fa mme ba tswelele ka go tshwarana ka kobo mo lefifing. society 9 Kamo le Kamo e abela Abbie E re jaaka Batswana ba tsweletse ka go thusa Abian Ntshabele, kereke ya Gaborone Assemblies of God (Kamo le Kamo) le yone e ne ya supa leato ka go abela mosetsanyana yoo P8 229 . Fa a buwa le phuthego ka Sontaga, Bishop Raphel Habibo o tlhalositse fa mogopolo wa go abela Abian Ntshabele madi o dule ka baithuti ba sekole sa Tshipi ba ba ileng ba rolela morutabana wa bone kgang eo mme a e rolela bagolwane ba kereke gore kereke le yone e tsenye letsogo go thusa Abbie ka madi. Bishop Habibo o tlhaloseditse bokopano joo fa go le botlhokwa ebile go le molemo go thusa Abian yo o nnang le bothata jwa kankere (ovarian immature teratoma) mme a tlhoka go dira learo le le ka lopang madi madi. O boletse fa go le botlhokwa gore kereke e thuse mo go kgobokanyetseng Abbie madi gore a kgone go ya go dira learo kwa a rulaganyeditsweng teng kwa China. O tlhalositse fa kereke e tshwanetse go supa lorato le go lere tsholofelo mo sechabeng le mo go bao ba ba tlhokang thuso, a re kereke e na le seabe se se tona ka go thusa sechaba le go tshwaragana le puso go thusa bao ba ba tlhokang. Bishop Habibo o boletse fa go le molemo ka Batswana ba tsweletse ka go thusa Abbie mme seo se supa lorato, a re go botlhokwa gore kereke e thuse bao ba ba tlhokang thuso e rotloetsa letshego la tshaba e e kgatlhalang ebile e na le kutlwelobotlhoko. O tlhalositse fa seabe sa kereke sa go ntsha madi go thusa Abbie gore a ye go dira loaro e le tshegofatso ebile gole molemo gore batho ba tswelele ba thusa gore morago ga loaro go nne le madi a a tla thusang mosetsanyana go tlhokomela loaro leo ka leya go tlhoka tlhokomelo e e kgethegileng. Bishop Habibo o ile a akgola phuthego go atlolola letsogo go kgobokanya madi ao otlhe a a tla a thusang Abbie. religion_and_belief 8 Ba Tsau ba lebogela Ipelegeng Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Motse wa Tsau Mme Maletelo Molatlhiwa o lebogetse mananeo a Ipelegeng le Nyeletso Lehuma. E rile a bua mo phuthegong ya Kgotla ee neng e buisiwa ke Tautona Lt Gen.Seretse Khama Ian Khama bosheng kwa Tsau, mme Molatlhiwa a supa fa Ipelegeng e thapa banni ba motse wa Tasu ba le masome a supa, mme metsana e mabapi ya Kaure le wa Xhangoro go tlhapiwa badiri ba le masome mane. Mme Molatlhiwa o ne a re mananeo ao a thusa banni ba motse wa bone go itshetsa. O tsweletse a tlhalosa fa Ipelegeng ya motse wa Tsau e tshwere ka that aka ba kgonne go baakanya matlo a barutabana a le bofera bongwe, go aga matlo a boiteketso a mabedi kwa sekolong le go baakanya matlo a Komiti ya Ditlhabololo tsa motse a mabedi. A re maikaelelo a bone ke go tswelela ba aga leobo la kgotla le le ruletsweng ka borulelo jo bo tlhabologileng le go baakanya terata ya sekolo sese botlana. Le fa go ntse jalo mme Molatlhiwa o ne a ikuela mo go Tautona gore motse wa bone o sale o solofeditswe sekolo sa diatla sa Brigade mme seo ga se a diragala mo dingwageng di ka nna lesome. Mme Molatlhiwa o boile a re e le banni ba Tsau ba kopa paakanyo ya Tsela ya Sehithwa-Shakawe, a tlhalosa fa tsela eo e le mo seemong se se maswe ebile e bakile dikotsi tse dintsi thata. E rile, a tlhalosa ka paakanyo ya tsela, Mookamedi i wa Lephata la Ditsela Mme Kgakgamatso Kalasi a re ke boammaaruri tsela ya Tsau e fetilwe ke nako mme a supa fa paakanyo ya tsela ya Tsau-Habu le Tsau-Nokaneng e simolotse ngwaga oo fetileng o ya fifing. Mme Kalasi o supile fa ditsela tseo tsa Tsau di tla a shafadiwa mme a re ya Nokaneng-Shakawe yone e tla agiwa sesha fa seemo sa itsholelo se boela mannong Fa a ba kgwa kgaba ka sekolo sa diatla Tautona Seretse Khama Ian Khama a tlhalosa fa goromente a sa kgone go aga dikolo tse dish a ka lebaka la itsholelo mme go baakanngwa dikago tsa dikolo tse di teng. BOKHUTLO society 9 ĎA pina ya setshaba e opelwe gantsií Puso e kopilwe go gatisa pina ya setshaba mo pampering ya dikgang ya puso ka e santse e le kgwetlho mo Batswaneng bangwe. E rile bosheng mo phuthegong ya kgotla e biditswe ke lekoko le le rerisang setshaba ka tebelopele ya 2036 kwa Shakawe, Rre Kewame Sakuze a tlhalosa gore go botlhokwa gore pina ya stshaba e kwalwe mo pamiring ya dikgang ya puso gore batho ba ba sa e itseng ba kgone go bala mafoko a yone. ‘’Bona gompieno jaana ke paletswe ke go opela pina ya setshaba ka lebaka la gore ga ke itse mafoko a yone mme ebile ke tsaya gore ga se nna fela go na le Batswana ba bangwe ba ba sa itseng mafoko a yone le gone go e opela tota,’’ o tlhalositse jalo. E rile Rre Sakuze a opela pina ya setshaba, bontsi jwa batho ba ba neng ba tsenye phuthego eo ba a swa ka ditshego ka mafoko a pina a ne a sa tswe sentle. Ka jalo go na le gore batho ba eme ka thisibalo jaaka go tlwaelesegile fa go opelwa pina ya setshaba ba ne ba simolola go shebasheba. Rre Sakuze o ne a kopa botlhe ba ba sa itseng pina ya setshaba gore ba leke thata go e ithuta. O kopile gore pina e, e opelwe mo phuthegong nngwe le nngwe go na le gore e opela fela mo diphuthegong tsa ga Tautona, matona a puso, mopalamente le baeng. E ntse e le mo phuthegong eo, bangwe ba ne ba tsamaya tsamaya fela ka nako e pina eo e neng e opelwa mme fa ba botsolotswa ba tlhalosa fa ba sa itse gore go phoso go tsamaya fa pina ya setshaba e opelwa. Bokhutlo politics 7 Kgatleng e ipelela temo ya ditlhare Kgaolo ya Kgatleng e ne e ipelela letsatsi la go lema ditlhare kwa Kgomodiatshaba. E rile Rre Gilbert Mangole, mopalamentse wa Mochudi Botlhaba a bula semmuso letsatsi leo a re lenaneo la temo ya ditlhare ke karolo ya go lwantsha bosekaka, thuthafalo ya loapi le go tokafatsa go nna teng ga dijo. O ne a bolelela morafe gore e re ntswa ditlhare e le mpho ya Modimo, koketsego ya dipalo tsa batho le ditlhabololo di dirile gore palo ya ditlhare e fokotsege thata. Rre Mangole a re phokotsego e e gakadiwa ke go tsofala ga ditlhare tsa tlholego le dibetso tsa tlholego jaaka leuba, diphetogo tsa loapi, mogote o o feteletseng, melelo ya naga, serame le merwalela. Mopalamente o ne a supa gape gore mo godimo ga moo batho le bone ba tsweletse ka go rema ditlhare go dira bonno le tse dingwe mo go itsang ditlhare go gola ka fa go tshwanetseng. O ne tlatsa ka go re batho ba tshwanetse ba buseletsa kana ba emisetsa ditlhare tse di suleng le tse di remilweng ka seo se ka fokotsa go nyelela ga mefuta e mengwe le go oketsa tse dingwe tsa tlholego. Rre Mangole a re ‘mo kgaolong ya Kgomodiatshaba le tikologo themako ya morukuru e kwa godimo fela thata mme baremi ba one ga ba na seabe mo temong ya ditlhare kana go leka go emisetsa tse ba di remileng.” O ne a lemotsha morafe ka bodiphatsa jwa go remakaka ditlhare ka gore boseyong jwa tsone bo ya go bolaya bontle jwa naga jo bo tshegeditseng bojanala, diphologolo le leruo. A re fa bontle jo bo ka nyelela itsholelo ya lefatshe e tlaa wela tlase mme e bile phefo e re e hemang le diphologolo e ka fokotsega le lefatshe le lone le thuthafale. Rre Mangole o ne gape a supa botlhokwa jwa dikgwa le metsi le tirisanyo mmogo gare ga tsone ka gore dikgwa di thusa mo phepafatsong ya metsi ka go tlhotlha leswe, go fokotsa kgotlhelesego ya mmu le go somarela madibela a metsi. O ne a tlatsa ka go re dikgwa di thusa go nolofatsa metsi a pula gore a kgone go nwela mo mmung, go oketsa mabeelo a metsi mo mmung le go tsenya monontshane mo mmung. Mopalamente a re seabe sa ditlhare se setona thata mo go direng gore pula e ne ka e tlhokwa thata mo temo-thuong. A re dikgwa le metsi ke bonno jwa diphologolo mme e bile di na le seabe se setona mo loaping le diphetogo tsa lone. Ka jalo neelano ya dikgwa le metsi e solegela molemo matshelo a batho le diphologolo ka dijo le di bapalwa nageng jaaka maungo, mamepe, maboa le tse dingwe. Rre Mangole a re go netefatsa botlhokwa jwa go buseletsa ditlhare letsatsi leno, go lengwa setlhare sa Mogotlho, se se bonwang mo Botswana le mafatshe mangwe a a mabapi mme setlhare se mo Botswana se aname le lefatshe lotlhe mme se bonala thata mo mafelong a a motlhaba jaaka Kgalagadi. A re mogotlho ke setlhare se se botlhokwa thata ka se amanngwa le go nna sekao sa go nna teng ga metsi a a ka fa tlase ga lefatshe. O ne a tlatsa ka go re se botlhokwa mo kagong ka se dirisiwa go dira dipinagare tsa matlo, mapako a a agang kgotla, masaka, go thusa ka moriti ga mmogo le go dirisiwa e le dikgong. Rre Mangole o ne a gakolola morafe go ithuta le go dirisa ditlhare ka tsela e e di somarelang go fokotsa dikgotlhang le kgothego ya lefatshe. A re batho ba tshwanetse ba sala ditsamaiso tse di leng teng tsa go kopa diteseletso fa ba batla go rema mapako le dibapalwa nageng tse dingwe. E rile a afa maikaelelo a letsatsi leo, mogokaganyi wa lephata la dikgwa le ditsatlholego mo Kgatleng, Mme Gomotsang Mazebedi a re tiro ya letsatsi leo ke go tsibosa le go ruta batho ka botlhokwa jwa go lema ditlhare. A re gape ba rotloetsa tshomarelo ya dikgwa le matlotlo a tlholego le go busetsa lefatshe le le kgotlelesegileng mo seemong se se botoka. O ne a tlhalosa fa letsatsi le, le le botlhokwa thata ka le tshwaya ngwaga wa bomasome a mararo le bobedi wa temo ya ditlhare mo Botswana fa e sale le simolodisiwa ke Tautona wa pele, Sir Ketumile Masire ka 1985. BOPA environment 5 Go thubega ga mafaratlhatlha a metsi go amile tikologo Banni ba Mandunyane ba supile fa go thubega ga mafaratlhatla a metsi go sa siamela tikologo ka go felela go dira gore diphologolo di tlale mo gare ga motse di okiwa ke metsi ao. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Godfrey Maseko o supile fa metsi a a tletseng mo motseng a felela a senya ditsela. O ne a bua kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre Pono Moatlhodi. O supile fa lephata le le maleba le tsaya lebaka go rarabolola seemo se, mme a kopa gore go tsibogelwe kgang e ka gonne e ka felela e dirile gore maatla a go goga metsi ka boranyane mo motseng a fokotsege. Mo go tse dingwe Rre Maseko o supile fa tsela le yone e le mo seemong se se sa siamang ka gonne e tletse mahuti mo a felelang a baka dikotsi. O kopile gore ba tlhalosediwe gore lenaneo la go aga sekole se segolwane le tsamaya kae le gore lenaneo la go dira Bojanala ka kwa letamong la Shashe le eme fa kae ka go nne le ne le ka tsisa diphetogo tse dintsi mo motseng. Rre Ronald Segolame o ne a kopa tlhaloso gore go tla jang gore gotwe dimmithara ga di kgone go bala mo ba felelang ba kgaoletswe metsi. O kopile gape gore ba agelwe dikholobete go itsa tshenyego ya ditsela ka gonne fa pula e nele ditsela di tlala metsi mme batho ba palelwe ke go feta le gone di a epega. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Joshua Joel o kopile tlhalosa ka tswelelopele ya kago ya tsela. O supile fa batho ba tlhoka fa ba nnang teng tateng ya go thoka ditsha. O ne a tlhalosa fa bangwe ba ikemiseditse go abela puso masimo gore a tle a dirisiwe e le bonno, a bo a kopa gore motse o golele ka kwa bophirima ka e le gone kwa go nang le diphatlha teng. Kgosi Joel o tlhalositse fa tshingwana ya mo motseng e ise e nne mo tirisong mabapi le gore sediba ga se ise se simolole go baakanngwa mme a kopa ba ba maleba gore ba tsibogele seo ka gore tshingwana e e ne e ka fokotsa letlhoko la ditiro le go tsenya madi mo metseng. Fa a buisa phuthego, Rre Moatlhodi o tlhalositse fa lekalana la kabo ditsha la Tonota le ya go kopa madi kwa Lephateng la Ditsha, Metsi le Kgopo ya Leswe go tla go reka masimo gore banni ba bone bonno. O tlhalositse gape fa kgang ya tsela e le mo ditshekatshekong ka go setse go beilwe madi a kago ya tsela e ntsha. O kopile maphata a a farologanyeng go dirisana le batho ba motse mo go tlhabololeng Mandunyane. O rotloeditse batsadi go tsaya boikarabelo ka bana ba bone le go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana. BOKHUTLO environment 5 LEA e lootsa bagwebi Ba lekalana la Local Enterprise Authority kwa Masunga mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba sa tswa go rulaganya letsatsi la pitso ya bagwebi bosheng, e mo go yone bagwebi ba neng ba tlhatlhelelwa le go fiwa maele a go tsamaisa dikgwebo tsa bone. Fa a amogela bagwebi ba kgaolo ya Bokone Botlhaba le ba kgaolo potlana ya Tutume kwa letsatsing leo, le le neng le tshwaretswe kwa Masunga, mookamedi wa lekalana la LEA kwa Masunga, Mme Segakolodi Ntebele o ne a ba kopa go akaretsa ba-na- le seabe botlhe mo kgwebong gore dikgwebo tsa bone di kgone go tswelela di itshetletse. Mme Ntebele a re go akaretsa le go ikgolaganya le ba-na- le seabe go ka ba thusa gore ba tlhaloganye melawana e e laolang dikgwebo tsa bone. O ne a bo a tsibosa bagwebi ka boikarabelo jwa lekalana la LEA, a tlhalosa fa ba lekalana leo le sa thuse bagwebi ka madi mme boemong jwa moo le rotloetsa dikgwebo tsa lefatshe leno gore di kgone go itsetsepela ka go fa bagwebi bogakolodi mmogo le ithutuntsho ya ka fa ba ka tsamaisang dikgwebo tsa bone ka teng. Mme Ntebele o ne a supa fa go le botlhokwa thata gore bagwebi ba boloke dipolelo ka dikgwebo tsa bone gore ba kgone go lemoga gore di dira jang, a tlatsa ka gore seo se ka ba thusa gape go bona dithuso tsa madi mo makalaneng a a thusang bagwebi ka go ba adima madi. Fa a nankola maikaelelo a letsatsi leo, modiri mongwe gotswa mo lekalaneng la LEA mo Masunga, Rre Gaolaolwe Phologolo o ne a re ke go kopanya bagwebi le ba-na- le seabe gore ba abelane megopolo tebang le dikgwebo tsa bone le go bona gore go ka tokafadiwa fa kae. Rre Phologolo o tsweletse a re moono o mongwe wa letsatsi leo ke go tiisa botsalano magareng ga bagwebi le lekalana la bone. Ba makalana ka go farologana, bogolo jang e le a a nang le seabe mo dikgwebong, a a akaretsang BURS, CEDA, lekgotla la kabo ditsha la Tati le a mangwe fela jalo a ne a nna le sebaka sa go tsibosa bagwebi ka ditirelo tsa bone. Mogolwane gotswa kwa lekalaneng la Cetizen Economic Entrepreneurial Development Agency (CEDA) Rre Ditiro Mangadi o ne a itsese bagwebi fa lekalana la bone le adima bagwebi madi ka morokotso o o kwa tlase gore ba kgone go tsweledisa dikgwebo tsa bone, go tsholetsa itsholelo ya lefatshe leno. Rre Mangadi o ne a rotloetsa bagwebi go inaakanya le dikgwebo tse di ka itsetsepelang mo mafelong a ba leng mo go one gore ba kgone go duela sekoloto se ba ka tswang ba na le sone mo kgwebong, a re bone e le ba CEDA maikaelelo a bone ke gore bagwebi ba simolole go duela sekoloto ka dipoelo tse ba di dirang mo dikgwebong tsa bone. E re lentswa bagwebi ba ne ba lebogela go bo dikgwebo tsa bone di ba thusa go oba letsogo le go tlhamela ba bangwe mebereko, fela ba ne ba supa matshwenyego ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo dikgwebong tsa bone. Lefa gontse jalo mogwebi mongwe, Rre Deboyson Mathe yo o itebagantseng le temo ya merogo, o ne rotloetsa bagwebi ka ene go seke ba inyatsa le go ineela fa ba kopana le dikgwetlho mo dikgwebong tsa bone, a re boemong jwa moo ba leke bojotlhe go batla metlhale e e ka thusang dikgwebo tsa bone go itsetsepela. economy_business_and_finance 3 Puso ga e tlamege go phimola barui dikeledi Puso ga e tlamege go phimola dikeledi barui ba dikgomo tsa bone di suleng fa di sena go busediwa gape kwa kgaolong ya Zone 7 kwa metsaneng ya Robelela le Tshokwe. Mothusa mokwaledi mo lephateng la temo thuo, Dr Moetapele Letshwenyo a re baitseanape le ba lekalana la dikanoko le ditlhotlhomiso mo lephateng leo ba tlhotlthomisitse go bona gore ke eng se se bakileng leso leo mme tsa supa fa dikgomo tseo di sule leso la tlholego fela. A re dikgomo tse dingwe di sule ntateng ya tlala ka go le leuba mo kgaolong eo. Ditlhotlhomiso di supa gore dikgomo tse dingwe di bolailwe ke bolwetse jwa metsi a pelo. Dr Letshwenyo o ne a bua kwa diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Tshokwe, Robelela le Mmadinare bosheng. Dr Letshwenyo o tlhalositse gore dilo tsep di ntshitsweng mo dikgomong tse di sulleng tse di neng di supiwa kwa kgotleng di lebega jaaka dikgetsi, ke ditshidinyana tse di tsalang bolwetsi. O tlhalositse gore ditshidinyana tseo di tsile morago ga gore dikgomo di je matlhare a le mantsi a a kgomaretsweng ke ditshidinyana tse di agang mo matlhareng a ditlhare. A re fa ditshidi tseo di tsena mo mpeng ya kgomo, di iphetola dilo tse di di tshwanang le dikgetsi mme e re kwa morago di bolae dikgomo. O boletse gore ntateng ya mabaka a dikgomo di a bo sule leso la tlholego fela mme kajalo puso ga e tlamege go phimola barui dikeledi kwa ntleng ga gore puso e duele barui ba ba amegileng ka madi fela. A re mathata a a ntseng jaana a ne a diragala mo mafelong a mangwe a lefatshe leno jaaka kwa Serule le Dimajwe kwa dilo tse di tshwanang le dikgetsi di neng tsa ntshiwa mo dimpeng tsa dikgomo tse di suleng. O boletse gape gore selo sa go nna jalo se ile sa diragala gape ka dingwaga tsa bo 1970. Lefa go ntshitswe tlhaloso, barui ba ne ba kopa puo go akanyetsa go phimola barui dikeledi ka gore ba ne ba seka ba rutwa ka fa ba ka thibelang dikgomo tsa bone go bolawa ke bolwetse jwa metsi a pelo. Gape ba re ba ne ba ka seke ba laola se dikgomo di se jang fa di hula mo nageng. Kgosi Phillip Tamocha wa Robelela a re batho ba ba mo mahudisong a a tlhakanetsweng ba ne ba latlhegelwa ke sengwe le sengwe fa leruo la bone le sena go swa. A re fa puso e sa dire sepe go itebaganaya le kgwetlho eo, batho ba le bantsi ba tsile go humanega ka gore dikgomo ke tsone botshelo jwa bone. O boletse gore go utlwisa botlhoko go bo ba wetswe ke seru sa go nna jalo. Legale fa barui ba ne ba rutilwe ka fa ba ka thibelang bolwetse jwa metsi a pelo ka teng ba ka bo ba di bolokile di sa swa. Kgosi a re o tshwenngwa ke gore bakenti ba ba busetsang leruo mo kgaolong eo ga ba dire tiro ya bone ka botlalo mo go felang go dira gore batho ba latlhegelwe ke leruo la bone ntateng ya bosenakitso. Dr Letshwenyo o ne a solofetsa go fetisetsaa dikeletso tsa barui kwa bagolwaneng ba gagwe ba e le bone ba ka tsayang tshwetso ya gore a ba phimolwa dikeledi kana nnyaa. Go busetsa dikgomo go tla jaana morago ga gore digomo di bolawe mo Zone 6 go sena go tlhagoga bolwetse jwa tlhako le molomo ka 2011. E ne ya re ka Motsheganong ngogola, pusetso ya dikgomo ya simolola kwa Robelela le Tshokwe kwa dikgomo di ka nna dikete tse pedi di neng tsa neelwa barui e le phimolo dikeledi. E ne ya re mo tirong eo ya go busetsa dikgomo, bakenti ba bega fa dikgomo di le 363 di ne tsa swela mo dikwarantining fa di le 158 di ne tsa swa di setse di neetswe beng ba tsone.. Dikgomo tse 158 tseo e ne e le tsa barui ba le 33. BOKHUTLO society 9 Moremi o kgothatsa bomme Motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Kealetile Moremi, o kgothaditse bomme ba Kereke ya Revelation Blessed Peace Church go tswa ka maele a a ka ba godisang e le bomme, go godisa kereke le sone setshaba sa lefatshe leno. Kgosi Moremi o buile jalo mo bokopanong jwa bomme ba kereke eo jo bo neng bo tshwerwe ka Matlhatso Phatwe 31 kwa Maun. A re bomme ke thari ya setshaba, ka jalo ba na le tiro e ntsi ya go aga malwapa le bana gore ba nne kutlo. Le fa go ntse jalo, Kgosi Moremi o ne kgothatsa bomme ba tumelo go tshwara ka thata le fa ba kopana le dikgwetlho. Mookami wa kereke eo mo Maun, Mme Gotweng Simon ene o ne a kgothatsa bomme bao gore ba tshwane le mme wa mo Baebeleng mo lekwalong la ga Diane 31. A re mme yoo ke mme yo o kgethegileng e bile a le kutlwelobotlhoko. Mme Simon o ne a kgothatsa bomme bao go dirisa bokopano joo go itshekatsheka. O bile a ba gwetlha gore ba tswe mo bokopanong joo ba fetogile gore ba nne le boleng mo malwapeng a bone le mo setshabeng. Mme Simon o supile fa motho wa mme a le botlhokwa fela thata ka go ka seke ga nna le lelwapa, kereke le sone setshaba ntleng le mme. Ka jalo, o ne a kgothatsa bomme bao gore ba nne le tumelo ka bongwe ka bongwe ba lemoge fa ba kgethegile. A re go le gantsi, bangwe ba bomme ba a palelwa mo botshelong ka ntlha ya go inyatsa le go boifa go dira maikaelelo a bone. religion_and_belief 8 Bagwebi ba ba botlana ba kopa thuso Bagwebi ba babotlana kwa Serowe ba itela mo pusong go sekaseka gore ba ka se thusiwe ka madi go tsosolosa dikgwebo tsa bone tse di neng tsa amiwa ke kiletso mesepele. Se se builwe ke modulasetilo wa komiti ya bagwebi, Mme Tumalano Monamodi, kwa bokopanong jwa bagwebi ba babotlana le bogogi jwa khansele potlana ya Serowe bosheng. A re kiletso mesepele e ba tlogetse ba iphothere le ntswa ba tshwanetse go jesa ba malwapa a bone. Bagwebi ba, ba ne ba ile go itsisiwe ka melawana mengwe le dingwe tse di nnileng teng ka ntata ya COVID-19. Mme Monamodi a re mo bogompienong bagwebi bangwe, bogolo jang ba ba gwebang ka go rekisa merogo, ditamati le tse dingwe ba santse ba le kwa malwapeng ka ba sena madi a go reka tse ba di rekisang. A re ba tlhoka gore ba reke tse ba tshwanetseng go di dirisa jaaka di sanitiser, mme le tsone di ja madi a mantsi ka jalo o ne a kopa puso go sekaseka gore a ba ka seke ba di rekelwe. E ne e rile go le pele mogolwane wa tsa diteseletso kwa khanseleng potlana ya Serowe, Mme Lorato Madigela, o ne a itsise bagwebi bao fa go nnile le diphetogo di le mmalwa morago ga kiletso mesepele tse ba tshwanetseng ba di obamele. A re bagwebi bao ba tshwanetse gore ba katologane ka sekgele se se beilweng mongwe le mongwe wa bone, ba ipipe melomo le dinko, ba nne le fa ba kwalelang teng botlhe ba ba rekang mo go bone, ba nne le sanitizers ebile gape ba phuthelele ruri go tswa kwa magaeng tsotlhe tse ba di rekisang. O ne gape a gakolola ba ba rekisang diaparo go seka ba letlelela ba ba rekang go itekanya diaparo fa ba reka. Mme Madigela o ne a gakolola gore e nne boikarabelo jwa mongwe le mongwe wa bone go sala melawana ya go itshireletsa le go sireletsa ba bangwe mo segajajeng sa COVID-19 Mme Boammaaruri Letebele yo o itebagantseng le tsa tikologo le ene a tswa mo khansele potlana ya Serowe o ne a itsise bagwebi bao fa go thapilwe badiri ba ba tla a bong ba tlhokometse gore a melawana ya COVID-19 e salwa morago. O ne a a kopa bagwebi go sala morago melawana yotlhe ya COVID-19 le gone go dirisanyana le badiri bao. economy_business_and_finance 3 Ba Lontone ba abela bana ditlhako Ba kereke ya UCCSA kwa Taung, ba abetse dikole di le lesome le bone mo kgaolong ya Borwa Botlhaba ditlhako. E rile a bua ka maikaelelo a bone moruti wa kereke eo Rev. Gabriel Tsuaneng a re ba ne ba tsaya tshwetso ya go rwesa bana ba ba senang ditlhako ditlhako, ka jaana ba itse botlhoko jwa go tsamaya ka lonao kwa sekoleng. Reverend Tsuaneng o boletse fa tota ba dira thomo ya Modimo, ka gore Baebele e tlhalosa fa motho a tshwanetse go tshwenyega fa a bona moagisanyi wa gagwe a tlhoka, mme ba seka ba natefelelwa ke go bona ba a ja ba latlhela mo ditankeng tsa matlakala fa baagisanyi ba bone ba lala ka tlala. Moruti o tlhalositse fa pitso ya Modimo e raya gore ba rate ba ba sa ratiweng le gone go direla ba ba tlhokang. O boletse fa kereke ya Modimo e tshwanetse go tlhagola tsela e ba tshwanetseng go e tsamaya. O boletse fa go ka nna molemo ka motlha wa bofelo go bona Morena a ba galaletsa gore ba mo diretse sentle, ka go ba bolelela gore o ne a tshwerwe ke tlala mme ba mo fa dijo, a sa apara ba mo apesa ba bo ba mo tlhola a le mo kgolegelong. Rev. Tsuaneng o boletse fa Modimo o tlotlile motho ka gore fa a direla yo mongwe o a bo a direla ene, a bo a kgothatsa phuthego gore ka motlha mongwe Morena o tla a ba leboga. O supile fa maikaelelo a mangwe gape e le go galaletsa Modimo ka tiro e, e seng gore bone ba ikgalaletse kana ba galaletse kereke ya bone. O boletse gape fa maikaelelo e le go kopantsha botlhoki segolo jang mo dikoleng tse dipotlana le go tsibogela tebelopele ya setshaba ya ngwaga wa 2016, wa tshaba e e lorato e bile e le kutlwelobotlhoko. Mogolwane wa thuto mo kgaolong ya Borwa Botlhaba Rre Moses Tshetlhana, o ne a tlhalosa fa botlhale jwa ntlha mo mothong e le go boifa Modimo, le gone go diragatsa thomo ya gagwe. O lebogetse dimpho tseo ka gonne di tswa mo botennyeng jwa dipelo tsa bone, a bo a leboga boeteledipele jwa kereke ya Lontone, ka go gakologelwa go direla ba bangwe e se ka ntlha ya gore ba humile, mme e le ka ntlha ya go dira thomo ya Modimo. O supile fa ba diragaditse molao wa Modimo ka go rata ba bangwe jaaka ba ithata, a bo a supa fa go segofetse bao ba ba utlwelang ba bangwe botlhoko ka jaana Modimo a tlaa ba utlwela botlhoko. Mopalamente wa Ramotswa Rre Samuel Rantuana, o ne a leboga kereke eo thata ka e na le batlhokakutlo mme le bone ba rutwa ka tsela e ba e tlhaloganyang, o ne a supa gape fa dikereke ka bontsi di ba ikgatholositse. Mopalamente o supile fa keletso ya gagwe e le go bona motlhokakutlo mongwe e le moruti kana lepolotiki, a supa fa se se ka ba rotloetsa gore ba itse fa le bone ba ka kgona. Mogolwane wa kereke ya UCCSA Rre Mhama Bontshitswe, o ne a tlhalosa fa go ne go se bonolo go kgobokanya ditlhako tseo, a supa fa ka thata ya Modimo ba ne ba kgona. Rre Bontshitswe o tlhalositse fa ba se bantsi mo lekalaneng la kereke ya bone, mme ba kgonne go aga kereke le go dira ditiro tse dingwe tse dikgolo ba ntse ba le kalo. religion_and_belief 8 Letsholo la Kgomo Khumo le goroga kwa Kweneng Mapodisi a simolodisitse semmuso letsholo la bobedi la Kgomo-Khumo le le itebagantseng le go lwantsha bogodu jwa leruo. E rile a rola letsholo leo kwa Lephepe kwa kgaolong ya Kweneng, mothusa ramapodisi, Mme Dinah Marathe, a tlhalosa fa mapodisi a eme sentle go araba selelo sa Batswana ka go lwantsha dikgang tsa bogodu jwa leruo. A re ba simoloditse thulaganyo ya kgomo-khumo ka maikaelelo a go lere tsholofelo mo Batswaneng, ka go phunyeletsa mafelo otlhe a e ntseng e le sekgopi, mo dikgang tsa bogodu jwa leruo. O solofeditse morafe o o neng o tshologetse tiro eo gore ba ya go dira ka gotlhe mo banang nago go phirimisa ditoro tsa bangwe ba ba ikgethetseng go huma ka mefufutso ya diphatla tsa ba bangwe. A re letsholo leo le ntsheditswe ditsompelo di akaretsa sefofane sa tlhoo- tomo, dikoloi, dipitse, le palo ya mapodisi a ka tshwarang lekgolo. A re go dirwa jalo ka maikaelelo a go itepatepanya le go lwantshwa seemo se se sa robatseng barui. “Re kopa kemo nokeng ya lona gore re kgone go fitlhelela maikaelelo a rona, ka jaana go nna teng ga di dirisiwa ga go kake ga re thusa go ntsha maduo, fa lona lo le morafe le tsweletse ka go ikgogela morago, ka dikgang tsa go re ga le batle go ikgolega,” ga gakolola jalo mothusa rampodisi. Go ya ka tlhaloso ya ga Mme Marathe, thulaganyo eo e simolodisitswe la ntlha kwa kgaolong ya Kgalagadi ka Seetebosigo, mme ba gorogile mo kgaolong ya Kweneng, pele ba fudugela kwa kgaolong ya Tswapong. “Re ka kgona le go fitlhelela ditoro tsa rona fela fa le re eme nokeng go thusa ka bosupi, go nonotsha dikgang tse di fa pele ga makgotla a ditsheko gore ba ba amegang ba otlhaiwe ka fa go tshwanetseng,” ga gakolola mme Marathe. O ne a ikuela mo dikhanseleng go tsibogela thulaganyo ya go phutha matimela, a kaya fa a na le seabe se segolo mo thotloetsong ya bogodu jwa leruo, ka jaana go ntsha bangwe pelo fa kgomo e sa tshwaiwa. A re tiro e, e tla a bo e eteletswe pele ke mogolwane wa mapodisi wa maemo a Senior Superintendent. A tlatsa ka gore letsholo leo, le tla akaretsa bontlhabongwe jwa kgaolo ya Kgatleng le Ga-Mmangwato. Go kailwe fa go tlhomilwe dikampa tse tlhano tse ditlaabong di lomaganya tiro eo, kwa metseng ya Dutlwe, Khudumelapye le Medie kwa kgaolong ya Kweneng. Kwa kgaolong ya legare kampa e tlaa bo e le kwa Kodibeleng fa kwa kgatleng ba tlaabo ba bereka go tswa kwa Kgomodiatshaba. Modulasetilo wa lekgotla la barui la Tshephe, Rre Loftus Ndzinge, a re maiteko a sepodisi a tshwanetse go lebogwa, mme o dumela gore go nna loleya fa dikotlhao tsone di sa oketsege. Rre Ndzinge o kopile gore tsheka-tsheko ya dikotlhao tsa bogodu jwa leruo e tsibogelwe ka jaana, go ka thusa go fokotsa seemo se mo go sone Batswana ba setseng ba latlhegetswe ke tshepho mo go ba bosekisi, le mororo go se sepe se ba ka se dirang fa melao e santse e repile. “A badira melao ba tsibogele go gagamatsa dikotlhao tsa dikgang tsa bogodu jwa leruo gore barui banne moko o thata, go nonotsha mohama wa thuo ka tsholofelo ya go nna le dipoelo mo go se ba itlamileng go se dira,” ga buwa jalo Rre Ndzinge. Kgosi kgolo wa Bakwena Kgari III, o lebogetse maitlamo a go lwantsha borukutlhi jwa leruo ka thulaganyo ya Kgomo-khumo. Kgosi o ikuetse mo Batswaneng go ema nokeng maiteko a mapodisi ka go ba fa motlhala go sala morago le go upolola ba ba utswang leruo. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Molelo o kwa Lobatse Mmatoropo wa Lobatse, Mme Malebogo Kruger, o gwetlhile banni ba toropo ya Lobatse go nna le seabe mo go tswelediseng ditirelo tse di ka thusang go tlotlomatsa serodumo sa puso ya lefatshe le. O buile se bosheng fa a amogela molelo wa kgolagano go tswa kwa baeteledipeleng ba Balete go tsweledisa leeto la malatsi a le makgolo a mararo le masome a marato le botlhano go ralala lefatshe go ipaakanyetsa moletlogadi wa boipuso jwa ngwaga wa 2016. Botswana o tlaa bo a ipelela dingwaga tse di masome matlhano a ntse a ipusa. Mme Kruger o gakolotse setshaba go tsenya letsogo go ntsha ditirelo tse di tlaa isang Botswana kwa pele. O tlhalositse fa lefatshe leno le na le meamuso jaaka meepo ya ditswammung tse a tlhalositseng fa itsholelo ya lefatshe leno e ikaegile ka tsone go ntsha ditirelo di tshwana le ditsela le dikokelo mme a ba kopa go ntsha ga tshwene go oketsa ditirelo tse di setseng di thailwe a re seo se ka ba baya mo maemong a mantle a go ka ipelafatsa ka lefatshe la bone mo mafatsheng a mangwe. Mme Kruger o gwetlhile setshaba go nna le seabe go na le go nna bo majapolaelo ka jalo a ba gwetlha go tsaya karolo mo go godiseng itsholelo ya lefatshe. A re molelo ke sekao sa go phatsimelwa ke lesedi ka jalo a gwetlha setshaba go bopagana gammogo le go nna ka kagiso le thokgamo mo lefatsheng go ipelela go dira ka bonatla le botlhaga jwa babusi ba bone ba dingwaga tse di fetileng. A re molelo wa kgolagano o tlaa nonotsha tirisano mmogo gareng ga merafe go netefatsa fa ba le mo maikaelelong a go babalela lefatshe leno le go le godisa go ya isagong. A re setshaba sa Botswana se agetswe mo lefikeng la tumelo ka jalo, a ba gwetlha go eteletsa Modimo pele mo matshelong a bone go nna tshaba e e tshelelang mo kagisong le thokgamo gammogo le go alosa baeteeledipele ba ba nang le tebelopele go ka aga lefatshe le le nang le tsamaiso e e tsepameng. Fa a leboga, mothusa mmatoropo ya Lobatse, Rre Francis Mokwena o ne a lebogela mowa wa tirisano mmogo go tswa kwa baeteledipeleng ba morafe wa gaMalete mme a ba solofetsa fa bagogi ba toropo ya Lobatse ba tlaa tsweledisa mosepele wa molelo wa kgolagano ka thulaganyo e e manontlhotlho. O ne gape a lebogela tshologelo ya banni ba Lobatse kwa kamogelong eo ya molelo mme a ba gwetlha go tsweledisa mowa wa neelano le tirisano mmogo le setshaba ka kakaretso ka maikaeleo a go isa Botswana pele. Molelo o wa kgolagano o ne wa ralala toropo ya Lobatse go simolola kwa Palamenteng ya ntlha ya lefatshe leno, sepatela sa Athlone, BMC, poso, le kgotla ya Peleng. Go tlhalositswe fa o tlaa nna mo Lobatse malatsi a le mararo o ntse o amoganwa ke makgotla ka go farologana go fitlhela o tla o rolelwa ba kgaolo ya Good Hope-Mabule. politics 7 Baithuti ba kgothaditswe go ikemela ka dinao Mothusa tona wa lephata la thuto e kgolwane, Rre Moiseraele Goya, o kgothaditse baithuti ba sekole se segolwane sa Lotsane go tlhaloganya boleng jwa thuto. Fa a bua kwa moletlong wa kabo dimpho kwa sekoleng seo ka mafelo a beke, Rre Goya o ne a tlhalosa botlhokwa jwa go tokafatsa seemo sa thuto. O ne a kgothatsa baithuti go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo gore di tle di ba sologele mosola mo isagong. E rile a tswa la gagwe, mogwebi go tswa kwa Prince Investments, Rre Palo Mokwena, le ene a kgothatsa baithuti go lemoga boleng ja thuto. Rre Mokwena o ne a tlhalosetsa baithuti fa sengwe le sengwe mo botshelong se berekelwe gore motho a se fitlhelele, ka jalo a supa fa go ikitse le go nna le tumelo ele tsone ditlhabano tse di ka ba tshegetsang mo dithutong tsa bone. A re baithuti ba tshwanetse go ithulaganya gore ba kgone go fitlhelela ditoro le dikeletso tsa bone, ka a lemoga sentle fa ba na le bokgoni jwa go dira jalo. O ne a ba kgothatsa gore go mo maruding a bone go inaakanya le tse di ka ba tsweleng mosola, go na le go inakanya le tse di ka ba senyetsang bokamoso. Rre Mokwena a re fa moithuti a tsene mo ntlong ya borutelo ka bo ene o setse a itse se a batlang go nna sone mo botshelong. A re go dingwaga sekole sa Lotsane se gapa maemo a botlhano mo dikoleng tsa kgaolo e se mo go yone, a tlatsa fa go sena sepe se se palang gore sekole seo se ka gapa maemo a ntlha fela fa baithuti ba ka ikitaya ka thupana gore ba berekele maemo ao. Ka jalo o ne a rotloetsa baithuti ba mophato wa botlhano a re ke bone ba ka ipetlelang bokamoso, fela jaaka setswana se re moremogolo go betlwa wa taola wa motho oa ipetla. Mogokgo wa sekole seo Mme Dineo Gabete ene o ne a supa fa maikaelelo a barutabana le batsadi e le go baya seelo sa sekole sa Lotsane fa go tshwanetseng morago ga go lemoga fa seo se ka kgonega. Mme Gabete a re baithuti ba sekole seo, ba na le bokgoni jwa go tlola seelo se se beilweng ka go dirisa botlhale jwa bone ka go ntsha maduo a a kwa godimo ka ba na le bokgoni. A re seo se tlhoka boikarabelo ja botlhe ba ba amegang go tshwaraganela kgodiso ya ngwana ka maikarabelo le maikemisetso a go ntsha maduo a a amogelesegang. BOKHUTLO education 4 UDC e rola ntlhopheng wa Molepolole Borwa lick to see more pictures Mopalamente wa Kgatleng Bophirima, Rre Gilbert Mangole a re, banana ke bone ba ka tsisang diphetogo mo matshelong a bone. O buile seo kwa tholong semmuso ya ntlhopheng wa Umbrella for Democratic Change (UDC) wa bopalamente wa kgaolo ya Molepolole Borwa, Dr Tlamelo Mmatli e e neng e tshwaretswe kwa mabaleng a sekolo se sebotlana sa Neale ka Matlhatso. Rre Mangole a re banana ba rwele boikarabelo jwa go tsisa diphetogo tse ba di eletsang mo matshelong a bone ka go dirisa tlhopho. A UDC e na le matshego a le matlhano, gare ga one go akaretsa letshego le ka lone ba tla bong ba itebagantse le thuto. O tlhalositse fa seemo sa thuto se wetse tlase fela thata, a tlatsa ka gore go na le banana bangwe ba thuto e ba kgapetseng kwa ntle. A re ele ba UDC ba batla thuto e e tla lemogang ngwana mongwe le mongwe go sena ope yo go tweng o tlhaela thuto ka bana ba na le ditalente tse di farologaneng. O tsweletse a re ba tla aga itsholelo e e akaretsang mongwe le mongwe, a tlatsa ka gore lefatshe la Botswana ke lengwe la mafatshe a a humileng thata mme Batswana bone ba humanegile e bile ba tsweletse ka go humanegela pele. Fa a tswa la gagwe, mokwaledi mogolo wa UDC, Rre Gomolemo Motswaledi o rurifaditse se se builweng ke Rre Mangole ka go kaya fa ba batla gore ngwana mongwe le mongwe a nne le dibuka tse a di tlhokang a bo a rutelwe mo ntlwaneng e e lebegang. Rre Motswaledi a re ba tla tokafatsa seemo sa thuto ka go oketsa matlwana a borutelo le go fokotsa mosuke ka mo nakong eno go na le kgonagalo ya gore morutabana a itebaganye le bana ba feta masome a mane, a re selo se, se isa boleng jwa thuto kwa tlase ka morutabana a ka se kgone go itebaganya le ngwana mongwe le mongwe. A re go oketsa matlwana a borutelo go ka bula diphatlha tsa mmereko ka ba tla tshwanelwa ke go thapa barutabana. Rre Motswaledi a re ba itlamile go fedisa tshenyetso setshaba, a tlatsa ka gore ba tsile go tsisa ditlamelo di akaretsa tsa botsogo le go bula mebaraka gongwe le gongwe mo Botswana go dira dijo le go tlhama mebereko. Fa a tswa la gagwe, ntlhopheng wa bopalamente Dr Mmatli o tlhalositse fa a amogela thomo ya go ya palamenteng, a tlhalosa fa ba na le dikgang tse dintsi tse ba tshwanetseng go itebaganya le tsone. A re mo nakong e e fetileng ba ntse ba tsena ntlo le ntlwana ba bolelela Batswana ka mananeo a ba nang le one mme ba nna le sebaka sa go utlwa mathata a a amang Batswana. O tsweletse a re o na le tumelo ya gore mathata a ba nang le one a ka rarabololwa motlhofo ke UDC. Dr Mmatli a re o itumedisiwa ke dipalo tse di nametsang tsa banana ba ba ikwadiseditseng ditlhopho a bo a ba gwetlha go dirisa tlhopho ya bone go tsenya phathi ya UDC mo pusong. A re mathata a banana ba Molepolole a go tswela kwa ntle ga motse go ya go batla ditiro ntswa motse wa bone o le motona o ka bo o na le madirelo ka go farologana, ke selo se se tshwenyang fela thata, jalo fa ba tsaya puso, mathata ao a tla tla bokhutlong. BOKHUTLO politics 7 Ba kopilwe go tsaya letlalo tsia Mantswitswidi mo go sugeng matlalo le go a sega go dira dilwana, Rre Mohibidu Nkwane wa Sorilatholo mo kgaolong potlana ya Letlhakeng o kopile baithuti ba ba neng ba tsene dithuto tsa go dirisa letlalo kwa Salajwe go di tsaya tsia. Baithuti ba le masome mabedi ba ne ba isiwa dithutong tsa go dira ka letlalo kwa Salajwe lebaka la kgwedi. Rre Nkwane yo e neng e le mongwe wa baeng ba tlotla ba bakgotlhatsi kwa moletlong wa go fetola letlalo, o kopile baithuti ba ba neng ba isitswe dithutong ke ba lephata la boipelego sebaka sa kgwedi kwa Salajwe go tsaya tiriso ya letlalo tsia. O boletse fa ene a sa ya dithutong go sena kwa a ithutetseng go suga kana go fetola letlalo mme a rotloetsa thata gore dialogane tseo di dirise kitso e ba e neetsweng lebaka le ba le ntseng ka nako ya dithuto. Rre Nkwane o boile a kgotlhatsa dialogane go itsalanya le bareki ka e le yone tsela ya go ipapatsa,a boa gape a ba kgotlhatsa go itlwaetsa go itshugela matlalo a bone ka fa ba reka go ka ba turela. A tswelela a gwetla dialogane go ikopanya le ba boipelego fa ba tlhoka thuso. Fa a tswelela ka go baa ma ka lefoko la kgotlatso, Rre Nkwane gape are fa o dira tiro ya letlalo o tshwanetse go nna o thabile ka nako tsotlhe ka go go thusa go dira tiro ya gago ka manontlhotlho. Nkwane o buile le dialogane gore ba seka ba tshaba go mo kopa thuso ka ene a setse a alogile e bile a na le kitso ka tsa thekiso ya ditiro tsa diatla tsa letlalo. O kopile gape baithuti bao go ikanya simolola go ithuta go suga letlalo ga Setswana mo go dirwang ka setlhatshana sa mositsana mme maduo a teng a tshwane fela le a fa o sugile ka machine. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Monana o itshetsa ka go tlhatswa dikoloi Monana mongwe wa motse wa Tsabong yo o simolotseng kgwebo ya go tlhatswa dikoloi ngwaga tse tharo tse di fetileng o bolela fa botshelo jwa gagwe bo tokafetse fela thata. Rre Otsile Ramotlhane o supile fa a gwetlhilwe ke letlhoko la ditiro mme se sa baka gore a simolole kgwebo ya Makala Car Wash ya go tlhatswa dikoloi. A re o simolotse a bereka ditiro tsa nakwana ka go ne go se motlhofo go bona ya sennela ruri. O tsweletse a tlhalosa gore o tletswe ke mogopolo wa go itirela kgwebo ka a bone gore a ka seke a kgona go nna a ikaegile ka ditiro tsa nakwana. A re o simolotse ka go ipeela madi nako le nako fa a amogela ka a ne a batla go diragatsa maikaelelo a gagwe a g ipona a na le kgwebo ya gagwe. A re o simolotse kgwebo ka 2012 mme nako ya teng e ne ele potlana ka lefelo le a neng a direla mo go lone le ne le le lennye gape le iphitlhile ka jalo batho ba sa kgone go fitlhelela teng sentle. O bolela fa a thapile monana ka ene Rre Tlhalefo Makake ele tsela ya go leka go tokafatsa botshelo jwa mongwe ka ene. O tsweletse a re ka 2013 ba ne ba fudugela kwa lefelong le le bapileng le tsela e e dirisiwang thata ke batho gape le bapile le marekisetso a le mmalwa e bile le le fagare ga motse. A re lefelo leo le siame thata ka gore o bona batho ba tla ba le mokawana go kopa thuso ya gagwe. O supile fa a ise a tsamae a bereke tiro ya go tlhatswa dikoloi mme e ne e le lantlha a e dira nako ya fa a simolola kgwebo e. A re o tlhophile go tlhatswa dikoloi ka gore kgwebo ya teng e ne e se ntsi mo motseng wa Tsabong e bile ke yone fela e a neng a bona a ka e kgona. O tlhalositse fa kgwebo eo e berekisa fela thata go feta jaaka a ne a akantse. A re go tlhatswa dikoloi go tlhoka nako, matsetseleko le bopelotelele e le ntlha nngwe ya go leka go ngoka batho ba ba tlhokang dithuso. O tsweletse a re o simolotse a tlhatswa dikoloi fela mme mo nakong eno o atolositse ka o tlhatswa mealo le ditilo tota. O tsweletse ka go tlhalosa fa kgwebo ya gagwe e dira sentle fela thata sebe sa phiri e le tlhwatlhwa ya lefelo le a le hirisitseng ka ele kwa godimo. A re ka ba dirisa metsi a mantsi le motlakase le tsone tlhwatlhwa tsa tsone di kwa godimo fela thata. O supile fa a sena didirisiwa tse di lekaneng mme a re o solofela gore mo tsamaong ya nako o tla kgona go oketsa tse a nang le tsone. O tsweletse a re mo dingwageng tse di tlang o batla gore kgwebo ya gagwe e bo e godile e bile e setse e aname le mafelo a mangwe mo Botswana. Rre Ramotlhane a re mo nakong eno o kgona go itirela sengwe le sengwe se a se tlhokang jaaka go ithekela dijo, diaparo le go thusa ba lelwapa la gagwe ka jalo o rotloeditse banana go itlhamela ditiro gore ba seka ba ikaega fela ka mananeo a puso ka gore nako e nngwe motho o kgona go sa atlege. O boletse gore botoka go thusiwa mo tirong e e tsweletseng go na le go kopa le tsone dithuso tsa go simolola.BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Bogodu jwa leruo bo busetsa kwa morago Le fa puso e leka ka bojotlhe go namola batho mo lehumeng ka go ba abela dithuso ka mananeo a a farologaneng, go lebega fa bogodu jwa leruo bo tla busetsa maiteko ao kwa morago. Mo potsolotsong bosheng, Mme Nkitseng Kgokilwe wa Draaihoek yo eleng mongwe wa ba ba abetsweng leruo ka lenaneo la nyeletso lehuma, o supile fa puso e ne e mo thusitse ka dinku di le lesome mme mo nakong eno go setse di le thataro fela. Mme Kgokilwe a re botshelo jwa gagwe bo fetogile go menagane e sale a amogela thuso go tswa mo pusong. O kaile fa jaanong a nna ka letshogo gore gongwe o tla iphitlhela a boetse mo lehumeng la pele ka dinku tsa gagwe di nyelela ka monokela. Le fa go ntse jalo, mothusa mookamela mapodisi a Tsabong, Assistant Superintendent Keagetswe Lorato o tlhalositse fa bogodu jwa leruo mo ngwageng ono bo fokotsegile ka ba gatisitse dikgetsi di le supa fela go simologa ka kgwedi ya Herikgong go fitlhelela mo nakong eno. Assistant Superintendent Lorato o kaile fa ba kgonne go lwantsha bogodu mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ka go bopa ditlhopha tsa balemi barui le mapodisi gammogo le ya twantsho borukutlhi go itepatepanya le jone. Rre Lorato o supile gape gore bontsi jwa magodu a a neng a tlhorontsha barui ka go ba utswela leruo ba ne ba ya kgolegelong morago ga go bonwa molato kwa kgotla tshekelo, mme o tsweletse a kopa barui go tlhomamisa gore ba tlhokomela leruo la bone ka go le disa sentle ka fa tshwanelong ka nako tsotlhe. BOKHUTLO politics 7 Puso e sekaseka molao wa kwadiso mekgatlho Puso e mo thulaganyong ya go seka-seka molao wa kwadiso ya mekgatlho le makgotlana. Fa a bua mo diphuthegong kwa motseng wa Moiyabana,Radisele Tshetlhong le masimo a Tshethong le Bikwe bosheng,Tona wa merero le tirisano ya mafatshe a sele,Mme Pelonomi Venson Moitoi a re nngwe tsetlana e batla a e elang tlhoko ke e e amang kwadiso ya dikereke. Mme Venson Moitoi o supile fa puso e tshwentswe thata ke go runya ga dikereke le dikgang tsa bosheng tsa bangwe baba obamelang Saatane. O tlhalositse fa mo tshekatshekong e o puso e batla gore kereke e kgone go kwadisiwa fa ena le maloko a ka tswara makgolo a mabedi le masome matlhano kgotsa go feta fela. Are fa e le kereke tota ga e kake ya kgona go tshwara palo e o ka kereke e dirwa ke komiti tse dintse go tswa mo lefatsheng. O tlhalositse gape gore mo kwadisong ya dikereke maloko a tla a botswa gore ba rapelang eng/ba obamela eng go tila dikereke tsa batho baba obamelang Saatane. A re se se ka sireletsa setshaba sa Botswana ,bogolo jang bana. “re tshwentse ke gore bana ba lona fa kgwedi e palama bare ba re ba batla go nwa madi ,ka gore ke bo mmamanthwane” Tona a supa matshenyego. Tse di amang temo,Mme Venson Moitoi o ne a tlhalosetsa banni gore puso e ntshitse lekgetho (VAT)mo didirisiweng tsa temo di tshwana dipolantara le diege go rotloetsa bagwebi ba ditshukudu tsa temo go nna le didirisiwa tse ba ka lemang ka ditselana ka tsone. Banni ba ne ba supile matshwenyegogo a gore ga ba a lema ka ntata ya tlhaelo ya didirisiwa tsa temo,ba tlatsa ka gore masimo mangwe a lemolotswe fela. Kwa Radisele Mme Maitseo Ditsela o ne ale kgatlhaonong le gore baruti ba etele dikolo, a re fa ba batla go ruta bana tumelo ba tshwanetse go etela malwapa gore motsadi e nne ene a tsayang tshwetso ya gore a o ba letlelela go ruta ngwana tumelo kgotsa jang. A re go ya kwa sekolong ga baruti go ka rotloetsa gore ba gogele bana mo ditumelo tse di sa siamang jaaka tsa ga saatane. E ntse ele kwa Radisele mongwe wa batsena phuthego,Rre Mojaboswa Jabeng o ne a supa Matshwenyego a gore dikereke di letsa diletso bosigo jotlhe ntswa mo meletlong e megwe go sa letlelewe a bone ga ba amiwe ke melao e e laolang modumo. Tona yo e bileng e le mopalamente wa Serowe Borwa one a buisa diphuthego kwa Motseng wa Serowe mo kgotleng ya Masuga le Makolo. BOKHUTLO politics 7 Banana ba gweba ka go apeela badiri ba Ipelegeng Banana ba motse wa Gweta mo kgaolong potlana ya Tutume ba itumeletse lenaneo la puso la go apeela badiri ba Ipelegeng. Mo potsolotsong le BOPA bosheng, banana ba ebong Mme Gabana Thuso, Mme Ikotlhaeng Keletso le Rre Molatedi Seteng ba boletse fa lenaneo leo le le mosola ka jaana dipoelo tsa teng di nametsa. Mme Gabana Thuso, yo o dingwaga di masome a mabedi le botlhano, ke mongwe monana yo o nnileng sego go bona sebaka sa go apeela badiri ba Ipelegeng kgwedi eno ya Motsheganong. O boletse fa apaya borotho jwa mahura jo bo itsegeng ka mangwinya, mapakiwa, setampa le moro mme e bile a tlhalosa fa nako tse dingwe a dira dinotsididi. A re dijo tseo o di apaya ka go farologana go ya ka malatsi a beke. Mme Thuso a re o na le tsholofelo ya gore fa malatsi a gagwe a go apaya a wela o tla bona dituelo tse di botoka. O supile fa a ikaelela go dirisa dituelo tseo go tokafatsa botshelo jwa gagwe morago ga gore a fetse lokwalo la botlhano kwa sekoleng se segolwane mme a seka a dira sentle. A re le fa a boetse gape kwa sekoleng ka lenaneo la thuto ka tlhaeletsano, o na le keletso ya go tsenelela dithuto tse dingwe tse di tla mo thusang go bona tiro e e botoka, ka jalo a re o tla ithusa ka lemmenyana le. Yo mongwe wa banana Rre Molatedi Seteng yo o dingwaga di masome a mararo le botlhano, yo le ene a apeelang badiri kgwedi e, o supile fa lenaneo leo le le mosola. A re maikaelelo ke gore fa a sena go bona dituelo, a bule semausu se ka sone a tla itshetsang le ba lelwapa la gagwe mme gape a duelela le bana kwa sekoleng. Rre Seteng a re o dirisitse madi a a kanaka sekete le makgolo a supa go reka dijo tsotlhe tse a di apeelang badiri ba Ipelegeng. Le fa go ntse jalo, a re o solofetse go duelwa madi a a fetang a a dirisitseng go menagane. Mme Ikotlhaeng Keletso, yo o dingwaga di masome a mararo ke mongwe wa ba ba apeileng dikgwedi tse di sa tswang go feta. Le ene o supile fa lenaneo le ntsha maduo a a nametsang, a re morago ga go bona dituelo, o ne a ituelela go dira setlankana sa go kgweetsa gore a tle a bone tiro e e botoka. O tsweletse a re madi a mangwe o ne a ithusa ka nako ya temo go reka tse a di tlhokang fa a mangwe a ipoloketse go a dirisa mo isagong. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Gweta, Rre Ledule Baraki a re ka kgwedi ba thapa batho ba ba apayang ba le bane. A re komiti ya ditlhabololo tsa motse e tsere tshwetso ya gore bagolo le banana ba fapaanele go apaya. O tlhalositse gore kgwedi e nngwe go apaya bagolo fela fa e nngwe go apaya banana mme a re tshwetso eo ke gore lenaneo le sologela batho botlhe ba motse mosola. Modulasetilo o tlhalositse gore botlhe ba ba atlegang go apela babereki ba Ipelegeng, ba botsogo ba ba tlhatlhobela kgotlholo e tona le gone go tlhatlhoba fa go apeelwang teng, maikaelelo e le go netefatsa gore ga ba beye matshelo a ba ba apeeelwang mo diphatseng. Go sale foo, Rre Baraki o akgotse lenaneo la Ipelegeng a supa fa le fokotsa palo ya batho ba ba sa berekeng mo motseng, a re ka kgwedi ba thapa batho ba le lekgolo le masome a mararo le botlhano. O supile fa lenaneo la Ipelegeng le thusa go phephafatsa motse, diofisi tsa puso le gone go nna le seabe mo ditirong tse di tlhabololang motse. Rre Baraki o ne gape a supa fa dituelo tsa Ipelegeng di dira pharologanyo mo matshelong a bone. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Barui ba intsha maswe dinaleng Lekgotla la barui ba dikgomo tsa nama kwa kgaolong ya Kweneng ba abetse letlole la setshaba la COVID-19, P7 400, dikgomo di le lesome le bobedi, le dihutshane tse tharo. Dimpho tse di amogetswe ke tona wa lephata la Temo Thuo le Tlhabololo Dijo, Dr Edwin Dikoloti ka Labotlhano, go di rolela tona kwa ofising ya ga Tautona le bodirela puso, Rre Kabo Morwaeng yo e leng leloko la komiti. Tona Dikoloti a re mpho ya barui ba Mokwena e mo thamisitse pelo ka maikaelelo magolo a yone e le go thusa puso go fepa setshaba se se iphitlhelang se le mo pitlaganong ya ditla morago tse di bakilweng ke COVID-19. “Ke lebogela go bo le sa emela fela go ipoka ka tse lo nang natso, mme lo lemogile botlhokwa jwa go abela puso, go thusa go tokafatsa seemo sa matshelo a ba ba amilweng ke seemo sa bolwetse,” Dr Dikoloti a tlhalosa. Dr Dikoloti o gwetlhile Batswana ba bangwe go kopa mowa o montle wa go aba go dira pharologanyo mo matshelong a bangwe ka bone le go fokoletsa puso pitlagano e e iphitlhelang e le mo go yone ka ntlha ya go amega ga itsholelo ya lefatshe. Tona Morwaeng, yo le ene a neng a le teng o akgotse ba ba tsweletseng ka go abela letlotle la COVID-19, le mo nakong eno le setseng le kokoantse madi a a fetang P115 million. “Ke lebogetse thata le go lemoga gore kgaolo ya me le yone fela jaaka dikgaolo tse dingwe, e ikwadisitse go tsenya letsogo mo go tlhomamiseng go tsibogela pitso ya ga Tautona go abela letlole la dithuso la COVID-19,” Tona Morwaeng a tlhalosa. A re ere ka maiteko a puso go tswa ka mananeo, go tlhabolola matshelo a Batswana a amilwe thata ke seemo sa nako eno, go botlhokwa go lemoga fa Batswana bangwe ba tsweletse ka go tsenya letsogo go fokotsa manokonoko mo itsholelong. Mo boemong jwa lekgotla la barui ba dikgomo tsa nama ba kgaolo ya Mokwena, modulasetilo, Rre Geoffery Matsila o supile botlhokwa jwa go tsenya letsogo go thusa puso. Rre Matsila o tlhalositse fa dimpho tseo, e se go thusa kgaolo ya Mokwena, tsholofelo e le gore di solegele molemo Batswana ka kakaretso go ya ka fa ba ba maleba ba tlaa laolang ka teng. Modulasetilo wa khansele ya Mokwena, Rre Motlhophi Leo a solofeditse go netefatsa gore dimpho di dirisiwa ka fa go maleba go kgotsofatsa baabi ba tsone. society 9 Go itshidila mmele go botlhokwa Molomaganya ditiro mo lephateng la banana, metshameko le ngwao mo kgaolong ya Kgalagadi, Mme Malebogo Mosala, a re itshidilo mmele e ka thusa badiri go tshela ba itekanetse ka dinako tsothe mme ka jalo ba ntshe maduo a a eletsegang mo tirong. Fa a tlhalosa maikaelelo le moono wa tshimolodiso ya itshidilo mebele, Mme Mosala o supile fa go itshidila mmele go ka thusa batho go dira ka natla le botswerere mo ditirong tsa bone tsa letsatsi le letsatsi. Mme Mosala a re lephata la banana le itlamile go rotloetsa metshameko le itshidilo mo setshabeng a supa fa bosheng tona wa banana, metshameko le ngwao, Rre Thapelo Olopeng, a simolodisitse letsatsi leo semmuso mme a kopa mongwe le mongwe go ema ka dinao le gone go innakanya le metshameko e e farologaneng. O supile fa itshidilo mmele e tshwanentse go diragala Labotlhano mongwe le mongwe wa bobedi kgwedi le kgwedi mo kgaolong nngwe le nngwe, seo e le maiteko a go aga setshaba se se itekanetseng. Rre Ipateng Motingwa, mogolwane go tswa mo lekgotleng la Botswana Games o ne a supa fa dipatlisiso di supile fa mebele e e itekanetseng e ka thusa badiri go nna matlhagatlhaga ka go dira tiro ka bonatla le botswerere le gone go ntsha maduo a a eletsegang ba sa lape le go kgobega marapo. Rre Motingwa o kaile fa go tlhoka go itshidila mmele go ka nna le ditlamorago tsa malwetse a akaretsang sukiri, madi a matona le a mangwe mme a rotloetsa setshaba ka kakaretso go tsaya kgato ka go ya mabaleng a metshameko ka dipalo tse di kwa godimo le gone go ja dijo tse di siametseng mebele ya bone. A re gape seo se ka thusa go fokotsa ditshenyegelo tsa ba botsogo le gone go ikopa kgapetsakgapetsa ga badiri go ya kwa bongakeng. Mothusa molomaganya ditiro mo lepahateng la metshameko le ngwao, Rre Dominica Botshelo, o ne a kgothatsa badiri go tswelela ba tsena itshidilo eo le gone go tlhama ditlhopha tsa metshameko e e farologaneng. Rre Botshelo o ne a supa fa mo nakong e e tlang ba tlaa laletsa maphata a mangwe, dikhamphani tse di farologaneng, banana le batsadi gore letsatsi leo le tle le kgone go atlega. Setlhogo sa letsatsi se ne se gatelela moono wa go tlotlomatsa botsogo jo bo itekanetseng mo morafeng le setshaba ka kakaretso, mme batsaya karolo ba ne ba tsenelela mogwanto le gone go itshidila mmele. health 6 Maranyane a thusitse mo-na-le bogole Maranyane a Facebook a thusitse Rre Edwin Phalane yo o tshelang ka bogole go bona thuso ya didirisiwa tsa go tlhatswa dikoloi tse a di kopileng mo go bangwe badirisi ba maranyane ao. Fa bontsi jwa batho ba dirisa Facebook go intsha bodutu le go kwalelana melaetsa ya marato, Rre Phalane ene o e dirisa go ipapatsa le go kopa dithuso. Rre Phalane, wa dingwaga tse di masome mararo le boferabobedi yo o tshelang ka bogole, a re o itumela Facebook ka a lemogile fa le ene a ka nna mongwe motho mo setshabeng ka maranyane ao. O supa fa Facebook e kgona go isa lentswe la gagwe kwa a ka se kakeng a goroga teng ka o dirisa kolotsana. Rre Phalane, yo o abetsweng didirisiwa tsa go tlhatswa dikoloi, a re nako e tsile ya gore le bone ba-na-le bogole ba ka huma fa ba ka dirisa sebaka sengwe le sengwe se ba se bonang jaaka Facebook le Whatsapp. O supa fa thuso ya didirisiwa tsa go tlhatswa dikoloi e tlaa godisa kgwebo ya gagwe le gore o tlaa kgona go itirela go na le gore a lebe mo pusong. Rre Phalane a re o ntse a kgona go itshetsa ka semausu se a se abetsweng ke Debswana ka 2009, a supa fa a kgonne go hirisa semausu seo gore se mo tsenyetse madi. O supa fa ka madi a semausu a kgonne gore a bule kgwebo ya go tlhatswa dikoloi, selo se a supileng se mo thusitse ka gore le one madirelo a go tlhatswa dikoloi o feletse a a hirisetsa mongwe. Rre Phalane a re ditoro tsa gagwe ke go ipona e le mohumi wa dinaane gore a kgone go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. “Ka jaanong ke bonye didirisiwa tsa go tlhatswa dikoloi, ke ya go simolola go itsamaisetsa kgwebo ya me go na le go e hirisa” ga bua Phalane. Fa a ntsha la gagwe, Rre John Keoagile a re o kopane le Rre Phalane mo Facebook, a supa fa a tlhoka thuso ya didirisiwa tsa go tlhatswa dikoloi e bile a supa fa e le mo-na-le bogole, ka jalo a bona go le maleba gore a mo tswe thuso. Rre Keoagile, yo o thusitseng Phalane ka didirisiwa tsa go tlhatswa dikoloi, a re o ne a itsese ditsala dingwe tsa gagwe mo Facebook ka kgang ya ga Rre Phalane mme a dumalana le bone go simolola go koleka ka Phalane P100 kgwedi le kgwedi. “E rile ke bona gore madi a nna mantsi ka bula bula letlole go boloka madi ao mo go lone go itsa gore re a dirise,” ga bua RreKeoagile. Rre Keoagile o supa fa e rile ba bona gore ba kgonne go kokoanya madi a a kana ka P5 400 ba reka didirisiwa tsa ga Rre Phalane, a supa fa ba rekile motshine o o tlhatswang le o o omisang ka P2 100. Mo mading ao, Rre Phalane o ne a neelwa P1 500 go reka melora e e tlaa dirisiwang mo madirelong a gagwe ga mmogo le P500 go ithekela dijo tsa keresemose, ka jalo a re madi a a setseng ba tlaa kgona go rekela Rre Phalane sengwe se a ka tswang a se tlhoka mo isagong. Rre Keoagile o leboga Mme Monosi Kraai yo o kgonneng go mo thusa mo go kokoanyeng madi a ga Rre Phalane, a supa fa Mme Kraai a kgonne go ntsha madi ka pelo yotlhe le ntswa e le mosadi yo o nyetsweng, a tlhalosa fa bontsi jwa bomme ba ba nyetsweng go le thata mo go bone go dira jalo. O supa fa a tlaa tswelela ka go kokoanya madi go thusa bangwe ba ba tshwanang le Rre Phalane go ralala Botswana. Rre Keoagile o kopile RrePhalane go tlhokomela didirisiwa tseo le go godisa kgwebo ya gagwe gore a kgone go itshetlela. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Bana-le-bogole ba na le ditshwanelo Bana-le-bogole ba na le ditshwanelo tsa setho jaaka mongwe le mongwe. Mafoko ao a builwe ke mothusa kgosi kwa Khudumelapye, Kgosi Othusitse Mosimane, kwa thuto-seka-dipuisanyo e e neng e itebagantse le bana-le-bogole le mogare wa HIV bosheng. Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Mosimane o ne a supa fa a sa itumelele dipalo tse di oketsegang tsa bana ba ba tsholwang ba na le mogare wa HIV le mororo mananeo a puso jaaka PMTCT a le teng. O supile gape fa go sa itumedise gore dipalo tsa mogare le malwetse a dikobo di bo di golela kwa godimo ntswa go fiwa dithuto tsatsi le letsatsi. Kgosi Mosimane o ne gape a gakolola batsena thuto-seka-dipuisano eo go tlhwaafalela dithuto tse ba di fiwang, ka go reetsa le go diragatsa tse ba di bolelelwang. Mongwe wa dibui, Mme Semakaleng Ooke, yo e leng molomaganyi wa ditirelo tsa AIDS mo kgaolong potlana ya Letlhakeng o supile fa a tshwenngwa ke boimana jo bo golang tsatsi le letsatsi jwa banana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le borobabobedi. O kaile fa banana bao ba tsenya matshelo a bone mo diphatseng ka ba sale bannye. Mme Ooke o ne a tswelela ka go supa fa a sa itumelela bomme ba ba itsholofetseng, ba ba sa iponatseng kwa go ba bongaka ba bo ba felele ba tsholela kwa malwapeng. O ne a kopa bomme go kgothatsa borre go itlhatlhobela malatsi a tlhakanelo dikobo. Mme Ooke o ne a tswelela ka go lemotsha batsena thuto-seka-dipuisano eo gore go itlhatlhobela mogare go botlhokwa, ka o ka itse seemo sa gago le gore o ka fetola boitsholo jwa gago jang go iphemela. O supile fa ba ofisi ya gagwe ba ikemiseditse go leka ka bojotlhe go bona gore bana-le-bogole ba nna le seabe mo dithutong tsa botsogo. Thuto-seka-dipuisano eo e ne e itebagantse le go ruta bana-le-bogole le batlhokomedi ba bone ka mananeo a puso a a leng teng, a a itebagantseng le mogare wa HIV. Ene gape e itebagantse le go ruta batsena dithuto tseo bomosola jwa go itlhatlhoba le go tsaya diritibatsi. BOKHUTLO health 6 Kedikilwe o kgothatsa dikereke go fetola matshelo Mothusa tautona wa pele, Dr Ponatshego Kedikilwe o kopile bagogi ba motse ba akaretsa dikgosi le baruti go rotloetsa setshaba go godisetsa bana ba bone mo tumelong ka go bo ngwana yoo godiseditsweng mo tumelong a gola a na le poifo Modimo. Dr Kedikilwe, yo a neng e le molalediwa wa tlotla kwa kerekeng ya Hermon kwa Sefhophe bosheng, o tlhalositse gore go rutega ga go a lekana ka jaana go santse go supagala fa dipolaano di golela pele ka jalo a rotloetsa batsadi go ruta bana ka bopelotelele le gore motho ke sebopiwa sa Modimo se se itshekileng. O tsweletse a re ba tshwanetse go godisetsa bana mo tumelong go ba ruta tse di molemo le go tlotla serodumo sa motho . A re mmele wa motho ke tempele ya Modimo jalo motho o tshwanetse go tlotlwa le go neelwa seriti se se mo tshwanetseng. Dr Kedikilwe a re fa go senang kagiso teng ga go nke go nna le tumelo jalo a kopa baphuthegi go nna ba rapelela mafatshe a a amilweng ke dintwa le malwetse. O tsweletse a re dipaka di fetogile ka jalo bana ba tshwanetse go rutwa ka diphetogo tsa loapi le ka tlhokomelo ya lone gore le seka la kgotlelesega. O kopile setshaba go ipabalela mo go tsa botsogo ka go dira ka diatla a bo a bolela fa kereke e na le seabe se se tona mo go ruteng setshaba ka mogare wa HIV. O rotloeditse maloko a kereke ya Hermon go tlhama dikomiti tse di farologaneng jaaka ya botsogo, ya tlhabololo magae, ya barutabana le batsadi ka a re go dira jalo go ka babalela matshelo a batho ba bangwe. O ba kgothaditse gore fa ba nna le mediro ba nne ba laletsa ba ba nang le dikitso tse di farologaneng go tla go ba ruta ka dintlha tse di farologaneng tsa botshelo. O tsweletse a re kereke e tshwanetse go rerela setshaba ka mananeo a puso jaaka a nyeletso lehuma le a mangwe gore batho ba tle ba kgone go itlhamela ditiro ka gore fa batho ba huma kereke le yone e nna le batho ba ba itekanetseng. A re kereke ga e a tshwanela go itebaganya fela le go tlhokomela mewa ya batho mme e tshwanetse go tlhokomela boleng, thuto gammogo le botsogo ja motho. Go ya ka moanamisa mafoko wa kereke eo, Mme Perzani Montsho o boletse fa ba phuthaganetse go lebogela thobo e Modimo o ba e neetseng mono ngwaga le Moruti Mopapa Joel Montsho Madimabe go bo a tsweletse a ba goga mo lefokong la Modimo. Mme Montsho o tsweletse a re kereke ya bone e setse e simolotse go agela motlhoki mongwe ntlo kwa motseng wa Sefhophe. E rile a tswa la gagwe, Moruti Montsho a bolela fa ngwaga le ngwaga kereke ya gagwe e tshwara bokopano mo motseng wa Sefhophe. A re o itumelela dimpho tse kereke e di amogelang go tswa mo bathong ka go farologana. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Dikokelwana di tlaa apeela bana Metse e e mo kgaolo potlana ya Tutume e e akaretsang Goshwe, Matsitama, Senete, Kutamogoree le Manxotai ke mengwe e go lemogilweng fa e na le dipalo tse di kwa godimo tsa bana ba ba tlhaelang dikotla. Mogolwane wa lephata la botsogo la kgaolo ya Tutume, Rre Ikko Sebilo o buile jalo kwa phuthegong ya khansele potlana ya Tutume ka Laboraro. A re bana bao ba tlaa thusiwa ka thulaganyo ya go apeela bana ba ba tlhokang dikotla dijo kwa dikokelwaneng. O bolela fa seo e le thulaganyo ya puso morago ga go lemoga gore bana ba phaka dijo fa ba isitswe sekaleng mme maduo ga a bonale bokete jwa bone bo nna bo ya kwa tlase, ka jalo ka thulaganyo eo go tlaa bo go lebelelwa kgolo ya ngwana le bokete jwa gagwe. O ne gape a bolela fa seelo se ba neng ba se ipeetse sa gore borre ba bo ba arilwe loaro lo lo babalesegileng sa batho ba ba 3 500 ba le kgakala le sone ka mo nakong ya gompieno go setse go rotse kepese borre ba le makgolo mabedi le masome a matlhano le bosupa. A re ka go lemoga fa borre ba santse ba goga maoto mo go direng loaro loo, ba tlaa bolotsa letsholo la go rotloetsa borre go dira loaro Sedimonthole a tlhola malatsi a matlhano kwa Tutume, ka jalo a kopa makhanselara go rotloetsa borre go tla go dira loaro. Rre Sebilo o ne a bolela fa ba tshwere bothata jwa bomme ba ba tsenang mo lenaneong la thibelo mogare go tswa kwa go mmangwana go ya kwa loseeng (PMTCT) mme e re morago ga pelegi ba tsene ka lenga la seloko ba sa tsweledise go bona gore mogare ga o a ka wa ama ngwana gore fa a amegile a kgone go bona thuso nako e sale teng. A re mokgwa oo o holodisa maiteko a puso a go lwantsha kanamo ya mogare le bolwetse jwa AIDS. O tlhalositse fa lephata le tsere tshwetso ya go thapa baithaopi ba ba yang tla go sala morago batho ba go nna jalo go leka go boloko matshelo a masea. E rile fa ba akgela, makhanselara a kopa puso go diragatsa molao wa tlhokomelo ya bana. Mokhanselara wa Dukwi, RreThatayaone Kehitile a re go na le bomme ba ba tsogelang bojalweng ka masea ba tlhole koo ngwana a se na se a se jang mo ba bangwe ba felelang ba ba siela dino. Rre Kehitile a re seo ke sone se se dirang gore bana ba tlhoke dikotla, a gwetlha puso go gagamaletsa batho ba go nna jalo setoropo. Mokhanselara wa Sowa, Rre Ntebalang John o ne a lebogela lenaneo la go gasa matlo ka molemo o o bolayang montsana, a re le dira sentle ka batho ba ba nnang kwa merakeng le bone ba ne ba thusiwa. Rre John o ne a ngongorega ka tlhaelo ya dijo tsa mophako kwa kokelwaneng ya Sowa, a re kokelwana eo e thusa batho ba meraka e e dikologileng toropo, ka jalo go tlhoka dijo go baya bana ba meraka eo ka fa mosing ka ba felela ba tlhoka dikotla mo mmeleng. Makhanselara ka bontsi ba ne ba ngongorega ka thulaganyo ya go thusa ba-na-le bogole, ba re bangwe batho ba go nna jalo ga ba a thusiwa le go sekasekwa tota ga go a dirwa. Ba kopa ba ba lebaneng go ikopanya le baeteledipele ba motse ka ke bone ba ba itseng batho ba go nna jalo botoka. Rre Sebilo o ne a tlhalosa fa ba ikaeletse go thusa mongwe le mongwe yo o tshwanelwang ke lenaneo leo. A re ba ba saletseng morago ba ofisi ya boipelego ba tlaa leka go ba sekaseka go bona gore ba wela mo thulaganyong eo. BOKHUTLO health 6 Mokhanselara a kopa batsadi kwa Lerala go kgalema Mokhanselara wa Lerala Bophirima, Rre Gabagopole Sebele, a re ga a jeswe diwelang ke baithuti ba ba yang sekoleng ba tshotse dilo tse di borai. A re se, se baya baithuti ba bangwe mo diphatseng. Rre Sebele o ne a bua kwa moletlong wa kaloso wa baithuti ba ba simololang lekwalo la ntlha ngwaga o o tlang kwa sekoleng se sebotlana sa Lekadibeng kwa Lerala. A re batsadi ba tshwanetse go leka bojotlhe go kgalema bana gore ba seka ba tsena mo dikgannyeng tsa borukutlhi. O ne a rotloetsa batsadi go nna maloko a sekole mme ba itse fa ba tshwanelwa ke go etela sekole go bona ka fa bana ba dirang ka teng. O boletse fa thuto e le botlhokwa ka ke yone e ka direlang motho isago. Rre Sebele a re puso e ne ya tsaya tshwetso ya gore e simolole dikole tsa bana ba ba botlana go tokafatsa seemo sa thuto. A re mo nakong eno go na le tlhaelo ya matlwana a borutelo le ditilo. Ka jalo o ne a ikuela mo go ba ba nang le bokgoni go thusa ka fa ba ka kgonang ka teng. A re dikole tsa bana ba ba botlana di botlhokwa ka ngwana o simolola lekwalo la ntlha a ithutile go le gontsi ebile a itse tikologo ya sekole le go tshela le ba bangwe. A re dithuto tse ba di fiwang di ba bula tlhaloganyo mme go nne motlhofo fa ba simolola lekwalo la ntlha. Mogokgo wa sekole sa Lekadibeng, Mme Phorego Motsokono, o ne a leboga puso gobo e simolodisitse dithuto tsa bana ba ba botlana a bolela fa di le botlhokwa ka ngwana a simolola lekwalo la ntlha a itse go le gontsi. A re se se thusa le ene morutabana go tsweledisa dithuto tsa lekwalo la ntlha a sa simolole a suga bana pele. A re sekole sa gagwe se simolotse dithuto tsa bana ba ba botlana mo ngwageng o o fetileng mme setlhopha se se neng se aloga e ne e le sa bobedi. O boletse fa a na le tsholofelo ya gore tshimolodiso ya dithuto tseo mo sekoleng sa gagwe e tla a thusa sekole sa gagwe se mo nakong eno se sa direng sentle. O ne a kopa batsadi ba ba saletseng kwa morago go tla go kwadisa bana ba bone mo sekoleng sa gagwe ka mo nakong e go setse go kwadisitswe bana ba le masome a mane le botlhano. crime_law_and_justice 1 Go onala ga diphaephe go oketsa tlhaelo ya metsi Mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile a re metsi mo borwa jwa lefatshe leno a a tlhaela ka go bo diphaephe tsa metsi di onetse. Mopalamente Kesupile o buile mafoko a mo phuthegong ya phatlhalatsa ya phathi ya Botswana National Front (BNF) e a neng a e buisa ka mafelo a beke kwa Kanye. A re diphaephe di onetse ka jalo metsi a feta fela a tlhoka se se a somarelang ke sone se go nang le mathata a mantsi a metsi mo lefatsheng leno bogolo thata mo kgaolong ya Borwa. Rre Kesupile a re puso e ne e rile e tla a dira thulaganyo ya go isa metsi kwa Kanye ka ngwaga ono wa 2014 mme jaanong go tlosoloseditswe kwa ngwageng e e tlang ya 2015, a re o tlhobaediwa ke gore go ka boa ga tlosolosiwa gape. Rre Kesupile o tsweletse a kopa puso go goga metsi kwa kgaolong ya Kweneng ka jaana metsi a le mantsi teng, a tlhalosa fa didiba tsotlhe tsa kgaolo ya Borwa di kgadile. Mo go tse dingwe, Rre Kesupile o tlhalositse fa thuto ya lefatshe leno ele lolea e bile go sena tsholofelo ya gore e ka tokafala. A re puso e itlhokomolosa tshekatsheko ya thuto e e dirilweng ka ngwaga wa 1994, a re seo se dirwa ke go bo e ka tokafatsa matshelo a batho ga ba ga tloga ga kgoreletsa mananeo a Ipelegeng le nyeletso lehuma, ka a ka tlhoka yo o a berekang. E bile o ntshitse matshosetsi a gore setshaba se seka sa solofela gore seemo sa motlakase se tla a tokafala mo bogaufing ka jaana le kwa Gaborone go sena tsholofelo , a re o kgaoga motshegare o boe bosigo. A re mapodisi a Gaborone a setse a fetogile dipone tsa taolo ya mosepele, ka jaana ke bone jaanong ba laolang metsamao ya dikoloi mo Gaborone mo boemong jwa dipone tseo. Mongwe wa dibui ebong Rre Pako Sealetsa a re re ntswa lefatshe leno le reka motlakase kwa Aferika Borwa,bone ba reka magala a a o dirang mono. Rre Sealetsa a re mathata a motlakase a tsile go digela thuto kwa tlase go gaisa jaaka go ntse go direga. O kopile batlhophi segolo jang banana go bontsha BDP diphoso tsa yone ka go ba tlhopholola ka talama. Rre Sealetsa o tsweletse a re, go nale dingwaga di le tlhano go ya kwa go tse di lesome puso e dirisa madimadi go nyeletsa lehuma mme go sena maduo. A re ditlhotlhomiso di supa fa lefatshe leno le lekana le la Zimbabwe ka lehuma. O bile a re puso e direla batlhoki ditshingwana tsa merogo mo segotlong e sa ele tlhoko gore nako nngwe metsi a tla a bo a kgadile. Mokwaledi wa Umbrella for Democratic Change( UDC) wa kgaolo ya botlhophi ya Kanye Bokone Rre Kabelo Lemme ene o kopile batlhophi go tswa mo diphathing tse di senang boamaaruri,mme ba tlhophe UDC mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba. Rre Lemme a re nyeletso lehuma ga e kake ya thusa ka sepe fa batho ba ba neetsweng lenaneo leo ba santse ba lemela go ja, a bolela fa batho ba teng ba lema merogo go sena se ba e shabang ka sone. A re bone e le ba magata-mmogo ba itse fa temo-thuo ele yone e e kabong e eteleditswe pele ka jaana Batswana ke balemi-barui ka tlholego. E bile o kopile gore batho ba bolelelwe boamaaruri fa go buiwa ka mananeo jaaka la banana, a gatelela ka gore bone fa ba tsaya puso ba tsile go bua nnete. BOKHUTLO politics 7 Fresh Oil e aba diaparo kwa Mahalapye Kereke ya Fresh Oil mo Mahalapye e abetse masiela le batlhoki diaparo go ba falotsa mariga a monongwaga. Fa a bua mo moletlong wa go aba dimpho tseo bosheng, moemedi wa kereke eo, Mme Kelebileone Mogotsi o boletse fa go abela batlhoki le masiela e le maiteko a go letshego la tebelopele ya 2016 la tshaba e e kutlwelobotlhoko. A re kwa kerekeng ya bone ba tshela ka go rera Jeso Keresete mme ba tshwanetse go tshela ka tsela e e ka itumedisang Jeso. O ne a tlhalosa gore kereke ya bone e nna e thusa batlhoki mo Mahalapye, a tlatsa ka go re go sego letsogo le le abang. O ne a kopa banni le dikereke tsa Mahalapye go ema ka dinao go tshwaraganela go rapelela Afrika Borwa gore ditlhaselo tsa batswakwa tse di tsweletseng di emisiwe. Fa a ntsha la gagwe, mokhanselara wa Boseja-Flowertown, Rre Tumelo Koolekanye o lebogetse dimpho. O tlhalositse fa a kopane le bogogi jwa kereke ya Fresh Oil a ba kopa gore ba abele banni ba kgaolo ya gagwe diaparo mme ba utlwa kopo ya gagwe. Mokhanselara o ne a kopa dikgwebo le dikereke tsa Mahalapye go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. O ne a solofetsa banni ba kgaolo ya gagwe gore o tlaa tswelela a ba kopela dimpho go tswa mo dikgwebong le dikereke tsa Mahalapye. Mongwe wa banni, Mme Ofetotse Mokatle o ne a lebogela dimpho mo boemong jwa banni. O ne a kopa kereke ya Fresh Oil go tswelela ka bopelotlhomogi jo e bo supileng ka go abela batlhoki diaparo tsa mariga. religion_and_belief 8 Go tlhopha ga go amane le ditlhabololo Mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe, o tlhaloseditse banni ba motse o o sa tlhomamisiwang wa Makgaba mo kgaolong ya gagwe gore go tlhopha ga go amane le ditlhabololo. Banni bangwe ba Makgaba ba ne ba supa fa ditlamelo dingwe di sa tle kwa go bone fela ka gore motse wa bone ga o a tlhomamisiwa ntswa ba tlhophile. Rre Lelatisitswe o tlhalositse fa go tlhopha e le tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe gore a nne le seabe mo go itlhopheleng puso, ga e amane le go tsisa ditlhabololo. Mopalamente o tlhalositse gore ka nako ya ditlhopho go nna le matlhophelo gongwe le gongwe kwa Batswana ba leng teng le kwa merakeng tota, gore ba nne le seabe sa go itlhophela puso e ba e batlang go sa reye gore ditlhabololo di tlaa isiwa kwa merakeng, O ne a tlhalosetsa banni ba koo gore thulaganyo ya go tlhomamisa motse wa bone e tsweletse, a tlatsa ka gore dipalo tsa bone di a letla gore motse wa bone o tlhomamisiwe. Mo go tse dingwe Rre Lelatisitswe o ne a gwetlha batsadi go rotloetsa bana ba bone go tsena sekole a re thuto ke yone thupa ya lehuma. O ne a lekodisa banni bao ka ditiro tsa lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP le a reng le tlaa tlhamela Batswana ditiro tsa nakwana le tsa sennela ruri. Kago ya tsela ya Mosu-Thalamabele, go agiwa ga diofisi tsa kgotla kwa motseng wa Mmea ke dingwe tse a reng di tlaa dirwa ka lenaneo le. politics 7 Puso o bolotsa letsema Batlokwa ba kopilwe go lopa pula kwa Modimong, gore ba tle ba kgone go lema. Mafoko a, a boletswe ke kgosikgolo ya Batlokwa, Kgosi Puso kwa phuthegong ya go bolotsa letsema kwa Tlokweng bosheng. Kgosi Puso o boletse fa go bolotsa letsema go raya gore batho ba ye go ipaakanyetsa go lema fa pula e na, a supa fa lefatshe le kalwa ka dijo tse le di itirelang. Kgosi o supile gore ka tlwaelo go bolotsa letsema go ne go dirwa ka kgwedi ya Lwetse, mme mo nakong ya gompieno loapi lo sa supe le fa e le sepe. Mo go tse dingwe kgosi o ne a ruta morafe wa gagwe ka Batlokwa Development Trust, kana letlole la morafe, a supa fa tiro ya yone e sa tshwane le ya VDC, o supile fa tiro ya letlole la morafe e le go tlhokomela dithoto tsa morafe, go bopaganya morafe ka ditiro, go somarela ngwao le gone go lomaganya morafe le makalana a mangwe. O tlhalositse gape fa letlole le ka sekisa la bo la sekisiwa, a bo a supa fa letlole le batla madi ka le le se dirang, mme e bile le tsamaisiwa ke maloko a le lesome, a mane a tlhophiwa ke kgosi fa a marataro a tlhophiwa ke morafe. O boletse gore motho yo o tlhophiwang go nna leloko la letlole leo o tshwanetse go bo a na le dingwaga tse di lesome le borobabobedi, o tshwanetse a bo a le Motlokwa kgotsa e le moagedi wa Tlokweng sebaka se se fetang dingwaga tse tlhano e bile a ntse a tsweletse a nna kwa Tlokweng, o tshwanetse a bo a dira ditiro tsa morafe e bile a se dinalanyana, a kgona go bala le go kwala, a itse go bua puo ya sekgoa le Setswana e bile a dirile mophato wa botlhano. Kgosi o supile fa dithoto tsa morafe tse ba nang le tsone e le lebala la metshameko le tshilo, mme ba filwe setsha se sengwe sa go aga tshilo e ntsha. Mogolwane wa kompone ya Botswana Power Corparation Rre Setlhabi, o supile fa koporase ya bone e ikaelela go aga mafaratlhatlha kwa motseng wa Tlokweng kwa kgotleng ya Ramfurwa, ka jaana motse oo o tlhaelelwa ke motlakase. O supile gore pele ga ba simolola mafaratlhatlha ao, ba tla a dira patlo maikutlo mo bathong ba ba mo tikologong eo. Fa ba tswa la bone, Batlokwa ba supile fa ba tlhoka go nna le koporase mo motseng wa bone, ba bo ba supa fa ba ngongorela batho ba ba sa tleng pitsong ya Kgosi, mme a bua ka dilo tse di amang matshelo a bone. society 9 Banni ba kopilwe go tsibogela dikai tsa malwetse Batswana ba kopilwe go tsibogela dikai tsa malwetse a itshupang mo mebeleng ya bone gore ba thusiwe nako e sale teng. E rile tona wa botsogo, Dr John Seakgosing a buisa phuthego kwa Malotwane mo kgaolong ya Kgatleng bosheng, a kopa banni go ragogela kwa go ba bongaka fa ba itemogela dingwe dikai tse di belaesegang mme e bile di sa tlwaelesega. A re go botlhokwa gore fa motho a sa ikutlwe sentle a ikatumeletse kwa go ba bongaka gore a tlhatlhobiwe nako e sale teng. Tona a re bolwetse bongwe jo bo tsweletseng ka go gapa matshelo a batho ke bolwetse jwa kankere. A re kankere e mefuta mentsi mme a tlatsa ka gore borai jwa yone ke gore e go koafatsa o sa lemoge mme e tswelele ka go gola mo mmeleng wa motho. E rile a lekodisa morafe ka kankere ya lebele, a kopa basadi le banna go ela tlhoko mabele a bone a tlatsa ka gore sekai e ka nna go tshwara lebele mme o utlwe go na le sengwe se le thata mo go lone kana tebego ya lone e sa nametse kana go nna le phetogo e e sa tlwaelesegang. O ne gape a lekodisa morafe ka kankere ya molomo wa popelo mo go bomme, a tlhalosa fa kankere e ya molomo wa popelo e ka tshwarwa fa go itlhatlhobiwa kgapetsakgapetsa. Tona Seakgosing a re go tsibogela dikai tsa kankere e go ka thusa go tila tiego ya go bona kalafi. A re dingwe tsa dikai tsa go supa fa kankere e simolola ga go motlhofo di itshupa, a tlatsa ka gore dingwe tsa dikai tse di ka supang mofuta wa kanke o ke go tswa metsi kana madi a sa tlwaelesegang mo bosading, go nna le setswalo nako e telele kana go tswa madi morago ga tlhakanelo dikobo. O ne a kopa banni ba motse oo go tsibogela dikai tseo gore ba kgone go bona dithuso nako e sale teng, bogolo jang ka bolwetse jo bo ka kgona go thibelwa fa bo ka lemogiwa nako e sale teng. Banni ba ne ba leboga tona Seakgosing ka dithuto tse di botlhokwa tsa botsogo mme ba dumelana gore ba tla tsibogela botsogo jwa bone ka kakaretso. Mopalamente wa kgaolo ya Kgatleng Bophirima, Rre Gilbert Mangole, o ne a leboga tona go menagane ka tiro e ntle e a e dirang ka go tokafatsa seemo sa botsogo mo lefatsheng la Botswana. A re go maleba gore dithuto tsa mofuta o di goroge kwa Batswaneng gore ba seka ba nyelediwa ke malwetse mme kgang e tona e le go tlhoka thuto ka dikai tsa malwetse ka mefutafuta. O ne a kopa Batswana go ela tlhoko gore ka nako tsotlhe ba itekodisa ba bongaka go bona dithuso. Bokhutlo health 6 Ngwao e fa serite le boleng Monana e bile gape e le mogwebi yo o ikemetseng ka nosi e le mapotiele wa lefatshe, Rre Jakobe Kgopolelo o boletse fa ngwao e le boswa e kaya se morafe o leng sone e bile e fa tshaba seriti le boleng. Rre Kgopolelo o buile jalo ko moletlong wa go ipelela ngwao le go ipaakanyetsa malatsi a go ipelela boipuso ja Botswana kwa Mmathethe bosheng. O boletse fa lefatshe leno le latlhegelwa ke mokgwa wa ngwao ka monokela, a tlatsa fa gompieno dikgosi di sa tlotlwe fela jaaka bogologolo, go ne gotwe lefoko la kgosi le agelwa mosako mme gompieno dikgosi ga di tshabiwe. Rre Kgopolelo a re mafatshe ka bontsi a rata ngwao ya Setswana le ka fa bangwe ba itshwarang ka teng mme a re bangwe ba e nyeletsa mo go tlhabisang ditlhong. O kopile banana go itsaya sentle le go tlotla bagolo go somarela ngwao. O boletse fa lefatshe leno le melediwa mathe ke merafe e mengwe mo Aferika ka setho le thitibalo ya teng mme a kopa gore Batswana ba itshoke fela jaaka batsoga pele ba dirile gore lefatshe leno le bo le ntse le ipusa ko ntle ga madubedube ape. O boletse fa ditiro di seyo mo Botswana mme a rotloetsa banana go inaakanya le ditiro tsa ngwao go itlhamela mebereko. O kopile gape gore ditso tsa merafe le metse di kwalwe gore di seka tsa nyelela. A re banana ba tlotle bagolo gore masego le malatsi a bone a lelefale mo lefatshing. O ba gakolotse gore ba itshware sentle le fa ba ngongorega, ka gore sedibeng go iwa ka tsela. Rre Kgopolelo o ngongoregetse Batswana go tlhoka go obamela nako. O boletse fa nako e le botlhokwa fela thata ka gore nonyane ya motsoga pele e ja seboko se se nonneng. arts_culture_entertainment_and_media 0 Boitseme bo kgoreletsa ditiro tsa puso Tona wa ofisi ya merero ya ga Tautona le bodirelapuso, Rre Eric Molale a re go a gakgamatsa gore Batswana ba bo ba sa ntse ba lela ka tlhaelo ya ditlamelo ntswa e rile ka Mopitlo fa madi a busiwa maphata a busa P13 million. Tona o buile jalo kwa Sehithwa fa a ne a buisa phuthego ya kgotla ka Laboraro, a re go utlwisa botlhoko e bile go a itshupa gore dilo tse dingwe ga di padisiwe ke puso mme di padisiwa ke bodirelapuso, a tlatsa ka go re fa e ka bo e le nnete gore dilo dingwe di padile ka ntata ya madi go kabo go se na madi a a buileng. Rre Molale a re se se utlwisang botlhoko le go feta ke gore jaanong fa ngwaga o mosha o ba kopa madi a mangwe jaanong ba a go neelwa a mannye ka tumelo ya gore bone ke ba ba nnang ba busa madi fela. O ne a kopa bodirelapuso go tlhoafalela tiro ya bone le go itse gore ba bereka ka setshaba. O bile a re dilo tse dingwe tse di tshwereng mananeo a tshwana le a nyeletso lehuma, a banana le tse dingwe ga di a tshwanela go ka emisa motho go bona dithuso tsa mohuta oo. Tona o bile a re kgang ya madi a dituelo tsa bagodi a go tweng a salela kwa morago e potlakelwe ka go le bega e le maswe thata mo kgaolong eno, a kopa ofisi ya ga molaodi go potlakela kgang eo. A re dikgang di tshwana le ya tlhako le melemo le tshenyo ya diphologolo o tlaa ya go buisana le matona a a lebanyeng gore ba tle go buisanya le bangongoregi go bona gore ba ka di fedisa jang. Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Boitiro Dithapo wa Sehithwa o ne a tlhalosa fa mo kgotleng ya gagwe tiro e eme fela ka letlhoko la koloi, a re le gone go phutha dikoloto go a pala. O ne gape a bolelela Tona Molale gore ga ba bolo go kopa gore motse wa bone o dirwe kgaolo potlana mme a re o ipotsa gore go palang ka ba na le setsha se se nang le metsi le motlakase. O ne a ngongorega ka lephata la metsi a re ba ba gogisa bokete ka ba duela metsi kwa Maun mme ba duela dipagamo, a re seo se ketefalela batho ba le bantsi mo kgaolong eo. Modulsetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Maletelo Molathiwa, ene o ne a re ba lebogela dithuso tsa nyeletso lehuma le fa a kaile fa di le bonya go bonwa. A re go sekaseka go tsaya nako e telele mme ba bangwe ba bo ba fele pelo ba kope dithuso gape kwa go ba matlhoko a loruo. O bile a re le yone palo e e neelwang dithuso mo motseng oo e kwa tlase thata, a tlhalosa fa go tswalwa ga moepo wa Boseto go dirile gore banana ba ba kailang mo mebileng ba nne bantsi Sehithwa. O ne a kopa gore leriwe ngaka mo motseng oo le gore badirelapuso ba duelwe dituelo tsa go berekela kgakala le ditlamelo. society 9 Morafe wa Moshupa o lela ka lenyora Banni ba Moshupa ba supile fa letlhoko la metsi mo motseng wa bone le ngomola pelo. Banni ba ntshitse matshwenyego mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke modulasetilo wa khansele ya borwa, Rre Alec Seametso bosheng. Rre Seametso o ne a supa fa a etetse motse oo go lekola le go lekodisa morafe ka tse puso e di kgonneng, tse e tlaa di dirang le gone go utlwa matshwenyego a bone. O ne a supa gore puso e tlhaloganya e bile e lemoga gore seemo sa metsi se a tshwenya mo metseng ya Moshupa le Kanye. Fela, Rre Seametso o ne a lemotsha morafe gore e re le ntswa manokonoko a lenyora a ba kokonela mo go kalo, puso e eme ka dinao go tlhomamisa gore e lwantsha seemo seo. Rre Seametso o ne a ikokobetsa mo boemong jwa puso, a kopa maitshwarelo mabapi le tiego e e leng teng ka thulaganyo ya go goga metsi go tswa kwa bokone go tla mo kgaolong ya borwa. O ne a supa gore tiego e tona e bakwa ke beng ba masimo mangwe a a ralalwang ke phaephe ya metsi ba ba ganang go dumalana le puso gore masimo a bone a ngathwe. E re le fa go ntse jalo, o lebogile Bakgatla ba ga Mmanaana ba ditshimo tsa bone di amilweng ke thulaganyo eo ka ba ne ba tsaya tshwetso ntle le dikgogakgogano. Rre Seametso o ne gape a solofetsa banni phetogo ya seemo sa metsi mo motseng wa bone, a tlhalosa fa lemme la go gokela didiba tsa Selokolela tse di tlaa ba tlodisang melatswana le bonetse. O ne gape a sedimosetsa morafe gore e re le ntswa morafe o tsentse dikopo tse dintsi e le dikeletso tsa bone go ya la makgotla a bone ka lenaneo la ditlhabololo, ga se tsotlhe tse di tlaa kgonagalang. A re tse di tlaa dirwang di akaretsa katoloso ya motlakase ka motse o aname, go shafadiwa ga dikago tsa sekole sa tiro ya diatla mananeo a go nyeletsa lehuma le go tlhabolola Batswana, ga reng tse dingwe. Fa a lekodisa khansele ka matshwenyego a motse, modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse, Rre Edwin Mokabedi o ne a supa fa ditsela tse di mo motseng di le mo seemong se se sa itekanelang morago ga go senngwa ke dipula tsa ga vDineo. A re mananeo a ga goromente a bonya mo bangwe ba baikopedi ba felelang ba itlhoboga kgotsa ba tsaya lenaneo fela le ba neng ba sa ikemisetsa go le tsaya e le ka ntata ya go itlhoboga. O ne a gakolola fa go le botlhokwa gore dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse di ikamanye le ba dikhansele, a re seo se ka nolofatsa ditiro tsa bone. Mongwe wa batsena phuthego, Rre Basenki Kgosiyang ya re a ntsha la gagwe, a re go utlwisa botlhoko gore a bo morafe o sena metsi mme ba lephata la metsi ba a rekisetsa morafe. Rre Kgosiyang o ne gape a ngongorega ka dituelo tse di kwa tlase tse ba di bonang fa ditshimo tsa bone di angwa ke ditlhabololo. Rre Koolebile Tsalaile ene o ne a supa fa go na le dingwaga ba ntse ba bolelelwa ka didiba tsa Selokolela tse di sa gorogeng. Le ene o ne a ngongorega ka ba lephata la metsi a re le na le metsi fa morafe one o bolawa ke lenyora. society 9 Kgosi Moroka o rolela bagodi hutshe Kgosi Sello Moroka wa Lerala o roletse futshe bagodi ba motse wa Lerala go bo ba nnile le seabe mo go tlhabololeng lefatshe leno. Fa a bua ka letsatsi la go ipela le bagodi kwa kgotlaneng ya Tlokweng kwa Lerala, Kgosi Moroka a re bagodi ba tshwanelwa ke go rolelwa futshe go bo ba nnile le seabe se setona mo go tlhabololeng lefatshe le ntswa bontsi ba bone bo ne bo sena dithutego dipe tse di kalokalo. A re bagodi ba kgonne go somarela kagiso le thitibalo e lefatshe leno le itsegeng ka yone, a tlatsa ka gore lefatshe leno le bopagantswe ke bagolo ka diatla tsa bone ba dira ka botswapelo. A re fa e ne e se ka bone, lefatshe leno le ka bo le kopakopane jaaka mafatshe a mangwe a a nang le dipheretlhego. O ba lebogetse go bo ba ile ba tsamaisa lefatshe le sentle mo bonaneng ja bone, a re lefatshe leno le godile mo go tsa itsholelo le kagiso le thokgamo. A re bagolo ba dirile tiro e tona ka go godisa bana ba ba nang le boikarabelo, ba le bone ba gatang mo motlhaleng wa batsadi ba bone. A re kgwetlho e lefatshe leno le nang nayo ke maitsholo a banana ba gompieno a a tsogang a tsenya lefatshe leno ka motlhobodika ba senyolola motheo o o saleng o dirilwe ke bagolo. A re banana ba gompieno ba dule mo tseleng e bile ba tshabelelwa ke go nwa bojalwa le ditagi tse dingwe tse di sa letlelelweng mo lefatsheng leno. A re go mo maruding a batsadi ba bone gore ba godise bana ba bone sentle gore ba tsoge ba tsweledisa tema e e saleng e thailwe ke bagolo. A re batsadi ba gompieno ba ele tlhoko gore a ka fa ba godisang bana ka teng a ba ka tsoga ba isa lefatshe leno ko pele kana ba le digela ka lemena. A re go botlhokwa gore bagolo ba tshwaraganele go godisa bana sentle. Mongwe wa barulaganyi ba moletlo o, Dr Tebogo Selebatso a re o dirile moletlo o go leboga bagodi kana batsadi ka seabe se ba se dirileng mo kgodisong ya bana le go tsisa ditlhabololo tsa motse wa Lerala. O lebogile Modimo go bo bagodi bao ba kgonne go tshela dingwaga tse di masome a supa le go feta, a re se se supa fa Modimo o ile wa ba segofatsa. society 9 Dikgang tsa bong di ama botlhe Mogolwane mo lephateng la dikgang tse di amang bong Mme Rachel Loeto o boletse fa gole botlhokwa gore batho ba itse ka dikgang tsa bong le gore molao wa reng ka tsone. Mme Loeto o boletse seo mo thuto puisanyong kwa Rasesa e e neng e tseneletswe ke Dikgosi, barutabana, ba boipelego le batsadi , a re dikgang tsa bong le molao di ama batho botlhe. Maikaelelo a thuto puisanyo eo e ne e le go lemoga seabe sa baeteledipele ba sechaba mo go lwantsheng kgokgontsho ya bong, go ruta le gore ba tlhaloganye gore bong ke eng, ga mmogo le go itse ka dikgang tsa bong go sa tsewe letlhakore. Mme Loeto o tlhalositse fa batho ba sa tshwanela go ikgatholosa dikgang tse di amang bong le tekatekano, a re go botlhokwa go rulaganya le go tsenya letsogo ga batho botlhe mo dikgang tseo le go tlhaloganya molao gore wa reng le gore thuto e goroge kwa bathong botlhe. O tlhalositse fa go le botlhokwa go lemoga botlhoki jwa batho botlhe ka go lekalekana, gore go nne le tshephano, boammaruri le go dira mmogo go sena kgethololo ka seo e le konokono ya setho. Fa a tswa la gagwe go tswa mo lephateng leo Mme Gorata Ntshwabi o boletse fa lefatshe la Botswana le itlamile go ruta sechaba ka dikgang tse di amang bong le tekatekano go sa kgathelesege gore motho o ngwaga dikae. O tlhalositse fa dikgang tsa batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana ba na le dithoto mmogo di golela pele ebile di tshwenya, a re go dira jalo ga go rotloediwe ka go le gantsi go baka dintwa mo bathong ba go nna jalo mme go felele go sena kutlwisisanyo fa ba kgaogana. A re go botlhokwa go dira morero le go dirisanya sentle ga batho kana baratani, a tlatsa ka gore dingwe tsa dikgwetlho tse di teng e le dingwe tsa batho ba ba lobang dikgang ebile ba sa bege dikgang tsa kgokgontsho ba di fitlha. Mme Ntshwabi o boletse fa go tshwenya go se bege dikgang tseo ka ko pheletsong batho ba felela ba itseetse molao mo diatleng, a re dipatlisiso di supa fa kgokgontsho e bonala thata mo go bomme le bana ba basetsana le baratani. O tlhalositse fa go se gantsi borre ba ka bega dikgang tsa kgokgontsho le ntswa le bone ba amega kana e ba diragalela. O boletse fa dipatlisiso di supa fa mogare wa segajaja wa HIV/AIDS o tlhagelela thata mo go bomme gona le borre, Mme Ntshwabi o boletse fa gole gantsi batho ba bomme ba ba golwane ba tsenwa ke mogare fa ba tlhokomela ban aba bone ba ba nang le mogare bas a dirise tsa itshireletso. O tlhalositse fa bakapelo bangwe gole gantsi ba loba go bua gore bana le mogare fa ba tsena mo loratong mme a re dikgang tseo di nna di diragala gantsi, a tlatsa ka gore go botlhokwa go re batho ba sidilwe maikutlo le go rutiwa go fokotsa seemo sa go gola ga mogare. . Kgosi George Thwane wa Artesia o tlhaloseditse bokopano joo ka molao wa lefatshe le ditsetlana tsa molao di akaretsa go thubetsa, go robalana ka losika (incest), go robala le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga, a re melawana yotllhe e botlhokwa ka e ka thusa go tsaya ditshwetso tse di maleba e seng motho a itseela molao mo diatleng mme a feletse a lebisitswe molato. Kgosi Thwane o boletse fa manyalo a ko lekgotleng la setswana a letlelelwa ebile a lemogiwa ka fa molaong, a re go botlhokwa gore banyalani ba ye go supa kwa ga molaodi gore a ba tlhakanetse dithoto kana nnyaa mme go nne le maitlamo go netefatsa seo go itsa dintwa tse di nnang di nna fa banyalani ba setse ba kgaogana. Kgosi Zacchious Kaeperura wa Pilane o boletse fa go le botlhokwa go lebelela dikgang le molao sentle le go gakolola bogolo jang banyalani sentle pele ga lenyalo le ba setse ba le mo lenyalong bogolo jang fa go setse go na le bana mme ba batla go kgaogana.BOKHUTLO education 4 Ba Maralaleng ba itumelela sediba Banni ba Maralaleng ba supile fa ba itumeletse mpho ya sediba se ba se filweng semmuso bosheng. Sediba se ke sengwe sa tse di lesome tse di abetsweng metse ka go farologana mo Kgalagadi. E ne ya re morago ga gore setshaba se ngongorege ka tlhaelo ya metsi, bogolo jang a leruo, Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama a laela ba-na-le seabe gore ba senke didiba tsa puso tse di sa dirisiweng ba di gokelele metse e go supegang e na le letlhoko le le ntsi la metsi. Didiba tse di dirisa maranyane a marang a letsatsi go pompa metsi. E ne ya re a amogela mpho eo, Kgosi David Megano a tlhalosa fa sediba seo se tlaa kgontsha batho botlhe ba ba filweng mananeo a dipodi gore ba intshe mo lehumeng. A re ba ntse ba nna fela ka matlhotlhapelo ka jaana go ntse go sena kwa ba nosang leruo teng mme se se dire gore diruiwa di swe ka bontsi ke lenyora. O rotloeditse morafe gore o netefatse gore ba tlhokomela mpho eo ka jaana ba ntse lesego go bo ba filwe sediba. Mookamela ditirelo wa lephata la temo-thuo mo Kgalagadi, Rre Nkwadisang Moipopi a re o solofela gore sediba se ba se abetseng Maralaleng se tlaa ba thusa go itshetsa. O kopile morafe gore o netehatse gore ba tlhokomela sediba seo gore se ba tswele mosola. O tlhalositse gore sediba seo ke sa botlhano mo kgaolong mo go tse ba setseng ba di file merafe mo Kgalagadi mme se goketswe ka madi aa hetang P40 000. O tlhalositse gore puso e bone go le botlhokwa gore e dire lenaneo le le faphegileng mo kgaolong gore batho ba tle ba kgone go akola mananeo a puso a tshwana le la LIMID. A re e re ka jaana puso e na le maikaelelo a go aga matlhabelo a dihutshane kwa Tsabong, go maleba gore ba netefatse gore ba oketsa diruiwa ka gore matlhabelo ao a tsile go tlhoka dihutshane tse dintsi. Barui ba motse oo ba supile boitumelo jo bogolo ba supa fa sediba seo se ba imolotse dingalo tsa go senkela diruiwa tsa bone metsi. Ba re ba solofela fa jaanong ba tlaa kgona go bona dipoelo tse di nametsang mo thuong ka gore go ya kwa pele ba tlaa bo ba sa dirise madi a mantsi go senkela diruiwa tsa bone metsi. society 9 Mmakaseterata o tlaa rola tshekatsheko Tshekatsheko mo tshekong e mo go yone monna yoo amegang mo metseletselng ya dikgang tsa bogodu jwa leruo di le tlhano, Tshepiso Zulu wa kgotla ya Borakalalo kwa Molepololeng e tla rolwa ke Mmakaseterata Ike Raphael ka Labotlhano. Kgang e, ke nngwe ya tse tlhano tse mo go tsone Zulu a lebisitsweng molato wa go utswela Mme Bame Motswari dipodi, dikoko le dithoto di akaretsa dikupu le digarawe kwa masimong a Mmatema-tema kwa Kweneng Phalane a tlhola ga bedi. Mosekisiwa yo mongwe ke Baagi Setshwantso wa dingwaga tse 46, a tlholega kwa masimong a Dikolakolane teng mo Kweneng. Go bolelwa fa e ne ya re Phatwe a tlhola ga bedi, kwa Mmatema-tema ba utswa dithoto tsa P13 500 tsa ga Mme Montshwari. Setshwantsho yo le ene a amegang mo dingweng tsa ditsheko tsa bogodu jwa leruo tse di fa pele ga makgotla a ditsheko, o ne a letlelelwa go emela tsheko kwa ntle ka go itlama ka P2 000, go iponatsa mo kgotleng ka malatsi a a beilweng le gore a seka a dira molato o o amanang le borukutlhi fa a letile tsheko, fa ba bosekisi ba sa dumalana le go itoka ga ga Zulu. Mosekisi wa mmuso mo kgannyeng e, Sub Inspector Barulaganye Tisase, o kopile lekgotla gore mo tshekatshekong ya lone ya boikopelo jwa go leta tsheko kwa ntle ga ga Zulu le ele tlhoko mabaka a gore ga se yo lekgotla le ka mo tshephang ka jaana a tsweletse ka go ikgatholosa ditaelo tsa lekgotla fa a filwe sebaka sa go leta tsheko kwa ntle. A re Zulu ga a boikanyego e bile o diphatsa mo setshabeng ka o se tlhorontsha ka go se amoga leruo le e leng lone botshelo jwa Motswana, ka jalo a sa tshwanelwa ke go tshela mo gare ga sone. A re e le ba bosekisi ba ne ba solofetse fa go tshegediwa mo kgolegelong ga ga Zulu ka lobaka go tlaa mo aga, mme jaanong seemo se tsweletse ka go bifela pele ka jaana a sena boitshoko. Ka jalo o kopile lekgotla go ela tlhoko mokwalo o o ikanetsweng o o roletsweng lekgotla ke motlhotlhomisi wa tsheko Sub Ispector Thabo Moje, go tlhalosa mabaka a a ka kgoreletsang go leta tsheko kwa ntle ga ga mosekisiwa Zulu ka a santse a lebanywe ke dikgang tse di fa pele ga makgotla a ditsheko. Le fa go ntse jalo, mmueledi wa mosekisiwa, Rre Yul-Sharar Moncho wa YS Moncho a re Zulu ga a a tshwanela go rontshiwa tshwanelo ya go leta tsheko kwa ntle ka mabaka a e seng nnete a go tlhoka go ithulaganya ga bosekisi. A re ba bosekisi ba iphetlhela mosekisiwa ka jaana tiego e teng ya dikgang tsa go belaelwa ka bogodu jwa leruo ga mosekisiwa yoo go dirwa ke boitseme jwa bosekisi. “Ba bosekisi ga ba na mabaka ape a a nonofileng go ka kgoreletsa go emela tsheko kwa ntle ga ga Zulu, ka jaana dikgang tse di teng di tshwanelwa ke go tshololwa ka jaana di le loleya go ka bewa lekgotla pele, ntle le go ikgatholosa tsamaiso ya molao ka go di rola e le dikgang tse disha go na le go di tsosolosa,” ga thalosa Agente Moncho. Agente Moncho a re ka jalo o kopile Mmakaseterata Raphael go ba letla go ya go ikopela kwa kgotleng kgolo ya ditsheko gore dingwe tsa ditsheko tsa ga Zulu tse di nang le lobaka lwa dingwaga di ka fera bobedi di sa wele di tshololwe ka jaana mosekisiwa a sa direlwa tshiamelo ka ntlha ya tiego e e nnileng teng. Le fa go ntse jalo, Zulu o atlegile mo go nngwe ya ditsheko tse di fa pele ga ga Mmakaseterata Raphael, e mo go yone go kaegang fa ba bosekisi ba ntshitse mabaka a gore lekgotla le e tshololole ka bosupi bo tlhaela. Matshwenyego a ga Mmueledi Moncho ke bonya jwa bosekisi go fefosa dikgang tse di tswang bokgakala jwa 2013. Le fa go ntse jalo, mafoko a ga Rre Moncho a ne a tshwelwa lerole ke motsamaisi wa dingwe tsa dikgang tseo Inspector Future Mojadife ka go supa metseletsele ya go tlosolosiwa ga dikgang tseo, di ama basekisiwa le babueledi ba bone. O kaile fa mangwe a mabaka a a diileng e nnile go fetola babueledi ga ga Zulu yo mo dikgannyeng tse tlhataro tseo go balelwa le e e tsholotsweng, mme ka jalo a kopa lekgotla go ikgatholosa kopo ya ga Zulu ka jaana e le go iphitlha ka monwana. Tshekatsheko ya mabaka a ga Agente Moncho go fa baiphemedi sebaka sa go ikuela kwa kgotleng kgolo ya ditsheko e tla reediwa Morule a fera bongwe. crime_law_and_justice 1 Monna o tlhokafatse mo kotsing ya tsela Mapodise a Phitshane Molopo mo kgaolong ya Barolong ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone, rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi a neng a tlhokafala mo kotsing ya koloi morago ga gore koloi e ba neng ba tsamaya ka yone e pitikologe. Mo potsolotsong, Assistant Superintendent Benjamin Modimoosi a re kotsi eo, e diragetse ka Labotlhano ka nako ya lesome mo mosong kwa Mmakgori. A re ditlhotlhomiso tsa ba sepodisi di tlhalosa fa mokgweetsi a ne a latlhagelwa ke taolo ya koloi mme ya thula letlapa le setlhare ya bo e pitokologa. O tlhalositse fa koloi eo e ne e na le bapalami ba le babedi, e leng moswi le mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le borataro botlhe ba e leng badiri ba lephata la ditsela, ba go bolelwang ba ne ba le mo leetong go tswa kwa Sekhutlane. Assistant Superintendent Modimooso a re, rre wa mokgweetsi o ne a ragogedisediwa kwa kokelong potlana ya Good Hope kwa ba bongaka ba neng ba rurifatsa fa a tlhokafetse fa mme wa modirikaene a ne a robadiwa go alafelwa dikgobalo. Assistant Superintendent, Modimoosi a re moswi o tlholega kwa kgotleng ya Xhosa 2 kwa Mahalapye. E ntse e le kwa Phitshane Molopo, Assistant Superintendent Modimoosi a re ba tshwere banna ba le babedi ba ba tlodileng terata e seng ka fa molaong mme a tlhalosa fa go tlola tereta eseng ka fa molaong e le molato fela o motona yo motho a ka atlholwang madi a a sa feteng P10 000. kana a isiwa kgolegelong dingwaga tse di sa feteng lesome. Mo go e nngwe tiragalo, a re ka letsatsi la tshipi ba tshwere monna wa dingwaga tse di masome a mane wa letso lwa Se India le mosadi wa dingwaga tsa masome a mabedi le bone wa Motswana, a tshotse masea a mabedi yo mongwe a le ngwaga le dikgwedi tse tharo,fa yo mongwe ale dikgwedi tse tharo,ba tlotseng terata eseng ka fa molaong. O tlhalositse far rre le mme yoo, ba ne ba na le dibukana tsa mesepele mme bana bone bane ba sena tsone, mme mmaabo a kgona supa ditlankana tsa matsalo go rurifatsa gore bana ke ba gagwe. O ne a tlatsa ka gore, ba tshwere monna mongwe wa Motswana yo o tlodileng terata e se ka fa molaong mme a tlhalosa fa mme mongwe a ne a mo tsaya a mo fitlha ka jalo mme yoo o tla a lebisiwa molato wa go thusa motho yo mongwe go dira molato a tlhalosa fa a ka bonwa molato a ka atlholwa madi a a ka fa tlase ga P10 000. Assistant Superintendent Modimoosi a re go tlola terata e se ka fa molaong kwa kgaolong ya bone go lebega e tla a nna selo modiro mme a tlhalosa fa ba tla a diragatsa molao go hema seemo se. E re dikgang di eme jalo, mapodisi a Woodhall mo Lobatse ba tlhalosa fa rre mongwe wa maina a Sonnyboy Motsilenyane yo o neng a batlwa morago ga beke tse tharo morago ga a sena go timela go bolelwa a bonwe mme a fitlhetswe a tlhokafetse. Supritendant Madisa a re ba ne ba begelwa rre yoo ke batsadi ba kgaolo ka matlhatso morago ga go amogela pego mo bananyaneng ba go bolelwang ba ne ba tshamekela kwa godimo ga thaba ya “lentswe le kwadilwe” ba bone sengwe se lebega jaaka motho. A re mapodisi ba ne ba ya kwa lefelong la tiragalo mme ka nnete ba fitlhela e le motho wa rre yo ntseng a batliwa ka se, se rurifaditswe ke mogolowe moswi yo o kaileng fa e le monnawe. A re o ne a isiwa kwa kokelong ya Athlone go tlhatlhobiwa ke dingaka, mme a tlhalosa fa a ne a bolokiwa ka letsatsi la Tshipi kwa mabitleng a Pitikwe ka gore o ne a le mo seemong se se sa nametseng go ka bewa malatsi a mangwe . Superintendent Madisa o tsweletse ka go tlhalosa fa ba sepodise ba dirisitse methale yotlhe go batla rre yoo, jaaka go anamisa molaetsa wa patlo ka seromamowa, go tsamaya ba tshotse senepe sa gagwe go botsa batho gore ga ba mo itse le gore ga ba ise ba mmone, go kokometsa senepe sa gagwe mo mafelong a a etelwang kgapetsakgapetsa jaaka marekisetso, dikokelo le dikokelwana, gammogo le yone pampiri ya dikgang tsa letsatsi le letsatsi ya setshaba, go tswa letsholo la go mmatla mo dithabeng tse di dikaganyeditseng Lobatse ,mme go se nko e tswang lemina ka rre yoo. Supritendant Madisa o ne a gakolola sechaba le morafe kakaretso gore fa ba tsamaya ba nne ba laela ba masika go sa kgathalesege gore loeto e ka tswa e le lwa bokgakalo jo bo kae, a re se seka thusa gore fa go tsenwa mo letsholong la patlo go itsewe gore motho o ka batlelwa ntlha efe. O ne leboga sechaba ka kemonokeng e ba e ba fileng mo go thuseng go batla rre yoo, a re ke tirisano mmogo e e tlhokafalang ka dinako tsotlhe mme a ba kopa go tswelela ka mowa o montle wa tirisanyo mmogo, a konentelela ka gore, popagano ya setshaba e ka ba tlhohohaletsa tiro ya bone gore ba dire ka natla ka nako tsotlhe. Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Sexaxa o itumelela bajanala Banni ba Sexaxa kwa kgaolong ya Maun Botlhaba ba re go na le palo e e nametsang ya bajanala ba ba etelang motse wa bone. Ba re se, se tla jaana fa e sale badiragatsi le ba botaki ba ba farologanyeng ba etela lefelo leo ngwaga oo fitileng. Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Thaloganyo Lekang a re ba itumetse fela thata ka bajanala ba ba etelang motse wa bone ka ba kgona go reka dithoto tsa bone tsa Setswana tse ba di dirang Kgosi Lekang o tlhalositse fa bajanala ba tiisa baroki le babetli ba motse wa bone go tswelela ba dira gore ba kgone go rekisa ka ba bona bajanala ba tshologela mo motseng wa bone ebile ba reka dilwana tsa bone. A re ba kgonne go nna le sebaka sa go ithekisa mo bajanaleng ba ba tswang kwa America, Australia le Africa Borwa ka tse ba di dirang mme a tswelela ka go supa fa ngwao ya bone ya Seyei le mmino wa bone o ratiwa fela thata. O tlhalositse fa ba solofela gore bajanala ba tla a tswelela ka go etela motse wa bone, mme a supa fa go tla ga tiragalo ya bataki le badiragatse mo kgaolong ya Maun, go ba thusitse go ba rekisa mo bajanaleng ka ba kgona go rekisa gore ba bone se ba ka itshetsang ka sone. Kgosi Lekang o tlhalositse fa ba agile motse wa ngwao go leka go tsosolosa ngwao ya Bayei le teme ya bone e a tlhalositseng fa bana ba bone ba simolotse go ithuta dilo tsa ngwao ya bone mo go yone. “Re agile motse wa ngwao ka dilo tsa setso di akaretsa letlhaka, mokola, mapako a mophane, bojang le mmu wa seolo,” ga bua Kgosi Lekang. O kaile fa ba dirisa motse oo go ruta bana ba bannye go apaya dijo tsa Setswana jaaka seswaa, dinawa, manoko le mmidi gore ba seka ba lebala dijo tse batsadi ba bone ba godileng ba dija. Mme o kaile fa bajanala ka bontsi ba rata dijo tsa bone thata ebile ba rata go di ithuta gore ba kgone go ka di apaya kwa gagabo jaaka seswaa le bogobe jwa lerotse le nswaswa. Kgosi Lekang o tlhalositse fa bontsi jwa bajanala ba tsaya nako e ntsi ba ikhuditse mo motse wa bone wa ngwao go ithuta mmino wa bone wa Seyei o o bidiwang Shimbiro, o a tlhalositseng fa o ne o opelelwa bana ba basetsanyana ba ba golang. Fa ntsha la gagwe Mme Paulla Garvin, mongwe wa bajanala go tswa Australia a re o ithutile gore ngwao ya Seyei e supa bodiragatsi jo bo farologanyeng jaaka mmino, dijo le ditso tse dintsi. Mme Garvin o supile fa mo lefatsheng la Botswana go na le botlhaga le bodiragatsi jo bo ka tshetsang batho fa ba ka bo tsaya ka tlhwaafalo. “Ke kgonne go reka ditotwana le moseme o ke tlang go o dirisa go robala mo go one fa ke le mo lwapeng ke e khuditse ga mmogo le selepe le setilo tse ke di reketseng monna wa me,” ga bua Mme Garvin. O solofeditse fa a tla boa a etela Botswana le ba lelwapa la gagwe gammogo le ditsala ka kgwedi ya Seetebosigo mono ngwaga go tla go reka dilo tsa ngwao tse dintle tse a di bonyeng. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Ouma Foundation e bolotsa letsholo E re ka jaana kankere e apesitse lefatshe ka bophara kobo ka letshoba, Ouma Foundation e boloditse letsholo la go rutuntsha setshaba ka thibelo kanamo ya kankere ya molomo wa popelo. Fa a buisana le morafe wa Ngwatle bosheng, moeteledipele wa mokgatlho, e bile e le mosimolodi wa one, Mme Ouma Rammidi o tlhaloseditse ba-tsena phuthego gore toro ya gagwe ke go fedisa dintsho tsa kankere. A re ba thubile lebelo go ralala lefatshe leno ba ruta le go tlhatlhobela bolwetse joo ka jaana ba itemogetse gore setshaba ka bontsi ga sena lesedi le le tseneletseng ka bolwetse jo. Mme Rammidi a re loeto lwa bone, ba sa le ba le simolotse kgwedi e e fetileng e le lesome le bongwe, mme ba ya go wetsa kgwedi e e tlang e ferabobedi. O ne a tlhalosa gore go ya ka dipatlisiso tsa ba botsogo, kankere ya molomo wa popelo ke yone e di gogang kwa pele mo go gapeng matshelo a batho. Mme Rammidi o tlhalositse gore kankere go ya ka mehuta ya yone, ga e na kalafi mme a supa fa e kgona go thibelwa. A re go le gantsi, kankere fa e go tsena, ga o kake wa kgona go e utlwa. A re o ya go bo utlwa fela bo setse bo go jetse ka kwa teng, ke ka moo ba kopang setshaba go tsibogela go itlhatlhoba go sale nako. O ne a tlhalosetsa morafe gore go le gantsi kankere e ka go tsena ka ntlha ya maitsholo a gago jaaka go goga motsoko le go iphetisa nno-tagi. O ne a supa fa mo loetong lwa bone, ba dira ditlhatlhobo tsa Vinegar test, e ka yone batho ba nang le sebaka sa go bona maduo gone foo. O ne a gakolola bomme gore morago ga kalafi ba tshwanetse go iphapha mo tlhakanelong dikobo selekanyo sa dibeke tse thataro gore ba ikoke sentle. Fa a amogela baeng, Kgosi Mangau Mareetsane o ne a lebogela ba botsogo le ba Ouma Foundation ka go atumetsa ditirelo kwa go bone, a re se se tlaa dira pharologanyo mo matshelong a banni ba motse wa gagwe. Kgosi o gwetlhile morafe go sekegela dithuto tsa botsogo tsebe, ka jaana dithuto di dirilwe di le dintsi mme go sa ntse go na le batho ba ba tlhokafalang ka ntata ya AIDS le mororo ba fiwa dipilisi mahala. O ne a gwetlha morafe go tsaya maikarabelo ka matshelo a bone, jaaka go sala ditaelo tsa ba botsogo morago le gone go itlhatlhobela malwetse nako e sale teng go fema dintsho. health 6 Ditlhare di botlhokwa Batho ba Maratswane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng botlhaba ba atlile mogopolo wa badiredi ba ofisi ya banana kwa Letlhakeng, wa go ba lemela ditlhare ka mefuta ya tsone mo kgotleng ya motse oo bosheng. Modiredi wa ofisi ya banana, Mme Hellen Masolotate o tlhaloseditse morafe gore puso e ne ya tswa ka mogopolo wa gore badirela puso e re gangwe mo kgweding ba tswe ka diofisi go direla morafe kwa metseng ya bone, ka moono wa gore morafe le bodiredi bo tshwaragane, ka go ka ntsha maduo a a bonalang. Mme Masolotate o tsweletse a tlhalosa gore ene le ba ofisi ya gagwe ba ne ba bona go le botlhokwa thata go lemela morafe wa motse wa Maratswane ditlhare mo kgotleng ka ba bone go sena ditlhare dipe. O tlhalositse gore botlhokwa jwa go lema ditlhare bo mefuta, a kaya fa setlhare se le mosola ka se sireletsa dikago mo diphefong tse di tsubutlang. O tladitse ka gore kwa ntle ga go sireletsa dikago mo diphefong, ditlhare di ka nnwa moriti, di kgabisa fa tse dingwe di jewa maungo. O file sekai ka sengwe sa ditlhare tse ba neng ba di lema sa moringa, se a reng se ka dirisiwa jaaka molemo wa mhikela. O kaile fa ba lemile tse dingwe kwa Monwane e ntse e le mo kgaolong eo ngogola, mme a supa fa a tshwenngwa ke gore morafe ga o rekegele go di tlhokomela sentle ka o akanya fa e le tsa badirela puso. O tlhalositse gore ditlhare tseo ba a bo ba di lemela morafe go sologela motse molemo. O rotloeditse banni ba motse oo go tlhokomela ditlhare tse jaaka ebile di le mo kgotleng, a gatelela gore di tlaa ba thusa ka moriti, maungo, go ba kgabisetsa kgotla le go thibela diphefo. O kopile banana thata go lemoga botlhokwa jwa go lema ditlhare, ba bo ba kgatlhegele go di tlhokomela le go ithuta ka tsone a kaya fa di ka namola lehuma, a tlatsa ka gore ba ka anywa botsipa ba bo ba dira dikgwebo tsa go lema ditlhare ba di rekisa. Mogolwane wa motse, Rre Bakhana Lekgela o opetse ofisi ya banana legofi go bona go le botlhokwa go ba lemela ditlhare mo kgotleng. O tlhalositse gore kgotla eo ka e sa le ntsha, ga go na fa morafe o bonang moriti teng fa o le mo phuthegong, mme a kopa morafe wa motse oo go tlhokomela ditlhare tse ka e le tsa motse wa bone. environment 5 Bakgweetsi ba diteraka ga ba jese Kgosi diwelang Kgosi ya motse wa Nata mo kgaolong potlana ya Tutume, Kgosi Rebagamang Rancholo are ga itumedisewe ke boitshwaro jo bo dirwang ke bangwe bakgweetsi ba diteraka tse di emang mo motseng wa gagwe pele di ka tsweledisa mosepele go fetela kwa mafatsheng a mangwe. Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Kgosi Rancholo o supile fa a se kgatlhanong le gore bakgweetsi ba diteraka tseo ba ka itapolosa mo motseng pele ba tsweledisa mosepele. A re sebe sa phiri ke gore ditiro tse di dirwang ke bangwe bakgweetsi, maduo a tsone a ama tikologo le banni ba motse ka ditsela tse di sa amogelesegeng. Kgosi Rancholo o supile fa diteraka tseo di emang teng go fetogile boremelelo jwa borukhutlhi, mme a tlhalosa fa di tla di rwele dithoto ka go farologana mme bangwe bakgweetsi ba felele ba rekisa dithoto tseo go se ka fa molaong. O ne a tlatsa ka gore bangwe bakgweetsi ba tla ba fitlhile motokwane le mengwe metsoko e e sa letlelelweng mo lefatsheng leno. Kgosi a ne gape a supa fa go na le thekiso ya dinaka tsa ditlou, a re bangwe banni ba motse badirisanya le bakgweetsi ba diteraka go bolaya le go utswa dinaka tsa ditlou. O boletse fa gape ba amogela dipego tsa bogudu jwa leokwane jo bo diragalang gone fa diteraka di emang teng, a re bangwe bakgweetsi ba dirisanya le banni bangwe ba motse go utswa leokwane leo. A re leokwane leo le gogwa go tswa mo diterakeng mme morago le rekisiwe ka bokhukhuntshwane. Kgosi Rancholo a re jaaka leokwane leo le gogwa mo diterakeng, le tshologela fa fatshe mme seo se ama tikologo ga mmogo le diruiwa. O supile gore bangwe bakgweetsi ba ema gongwe le gongwe fa gare ga motse, a tlatsa ka gore fa gongwe ba ema fela mo thoko ga tsela mme seo se baya badirisi ba bangwe ba tsela ka fa mosing. Kgosi Rancholo boletse fa go belaesega gore bangwe bakgweetsi bao ba ithomela gongwe le gongwe bogolo jang fa ba emang teng. O ne gape a supa fa go na le tlhakanelo dikobo e e diragalang gone fa diteraka di emang teng ka jaana dikauso tse di dirisitsweng ga mmogo le pampitshana tse di di diphuthelang di tlogelwa fela foo. Go sale foo, Kgosi Rancholo o boletse fa ba lebanwe ke kgwetlho ya dintwa go tswa mo bakgweetsing ba diteraka tseo le banni bangwe ba motse, a re go le gantsi dintwa tseo di simolola kwa marekisetsong a bojalwa. Le fa gontse jalo, Kgosi are ba leka ka bojotlhe go busetsa seemo mo taolong mme a re ba botsogo, mapodisi, bommaboipelego le bagolwane ba motse ba tlhamile komiti go leka go itepatepanya le ditlamorago tseo. A re ba mo maikaelelong a go batla lefelo kwa ntle ga motse fa diteraka tseo di ka emang teng mo nakong e e tlang. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Tshenyetso setshaba ke mmaba Lekalana la tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo la Francistown le ne le tshwere thuto-puisanyo ya go rutuntsha maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ka dikgang tsa tshenyetso setshaba kwa Masunga bosheng. Fa a bula semmuso thuto-puisanyo eo, molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Rapetse Mathumo o ne a re, go le gantsi batho ba akanya ka tshenyetso setshaba fa go umakiwa madi. A re le ntswa madi a ka tswa a di goga kwa pele mo go seo, fela go na le tse dingwe tse le tsone di amanngwang le tshenyetso setshaba. Rre Mathumo a re nngwe ya dilo tse di amanngwang le tshenyetso setshaba e bile di le borai mo matshelong a batho ke go sa direleng dilo mo pontsheng. A re ka di VDC di neetswe boikarabelo tebang le tsa ditlhabololo mmogo le gone go tsamaisa tsa itsholelo mo metseng ya bone, ba tshwanetse ba itse fa matshelo a batho a le mo diatleng tsa bone. O ba gwetlhile go tila tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo ka ditsela tsotlhe tse ba ka di kgonang, a tlhalosa fa ba ka kgona seo fela ka go direla dilo mo pontsheng le ka tekatekano. A re tshenyetso setshaba ke noga e e reng e tsene mo pelong ya motho,e tlhakatlhakanye sengwe le sengwe, a tlatsa ka gore e ka simolola e le nyennyane mme phelelong e kekele. Molaodi o kopile maloko a VDC a a neng a tsene dithuto tseo, go tsaya tsia thuto e ba e amuleng le go e amogana le ba bangwe, a bo a ba rotloetsa thata gore fa ba digela lobaka la bone, ba rolela komiti e ntsha, ba e tlhatlhelele ka tshenyetso setshaba. Modiri wa lekalana la tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo, Rre Boago Koloi, o ne a itsese maloko ka boikarabelo jwa lekalana la bone, a re ke go tlhotlhomisa, go ruta le go thibela tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo. A re lekalana leo le tlhamilwe morago ga gore puso e tshwenyege mabapi le dikgang tsa tshenyetso setshaba. Le ene fela jaaka molaodi, Rre Koloi o gakolotse maloko a di VDC gore ba leke bojotlhe go iphapha mo tshenyetsong setshaba, a re ditsetlana tsa tsamaiso tse di leng teng di tshwanetse tsa salwa morago. O tsweletse a re, bangwe ba VDC ba na le go dirisa maemo a boloko jwa komiti jaaka sebaka sa go iterelela tse ba di ratang. Rre Koloi a re tshenyetso setshaba e e atileng mo malokong a di VDC ke ya maloko a a nang le mokgwa wa go lopa pipa molomo gore ba kwadise bangwe mo lenaneong la batlhoki, a tlatsa ka gore bangwe ba na le go batla dikatso tsa go tsena diphuthego le ntswa ba ne ba seo mo diphuthegong tsa teng. O ne a bo a nankola ditemana dingwe go tswa mo bukeng e e boitshepo, tse batho ba ka ikaegang ka tsone, go ba thusa go boifa tshenyetso setshaba. Rre Koloi o boletse fa ope yo o ka bonwang molato wa tshenyetso setshaba, a ka atlholwa dingwaga tse di sa feteng lesome mo kgolegelong kgotsa madi a a sa feteng P500 000 kgotsa dikatlholo tseo ka bobedi. E ne e rile a amogela baeng, Kgosi Masunga Maruje III wa motse wa Masunga, a kaya fa tshenyetso setshaba e le bosula thata mo matshelong a batho, ka jalo a kopa batho go tsaya dikgang tsa yone tsia, a re mme o belaela fa gongwe e bakwa ke go bo bontsi bo sa e tlhaloganye. Kgosi Maruje a re fa tshenyetso setshaba e ka tsaya phekelo e sele, e ka felela e jwelelela mme e gole go gaisa le yone itsholelo. Modiri wa lephata la boipelego la khansele ya Bokone Botlhaba, Rre Thomas Mpenya a re, leloko lengwe le lengwe le tshwanetse la itse boikarabelo jwa lone, go simolola mo modulasetilong go ya ka tatelano ya bone. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Makgotla a a itshekatsheka Mothusa motsamaisa lekgotla legolo la ditsheko a lebagane le tsa tsamaiso, Mme Tshegofatso Mogomotsi o beile barongwa ba makgotla a ditsheko dintlha di ferabobedi tse makgotla a duleng ka tsone go tokafatsa seemo sa tiro ya bone. Mme Mogomotsi a re molawana o o teng ke wa go simolodisa ofisi e e lebaneng le dikgang tsa barongwa ba makgotla a ditsheko go nna le sebaka se ba tshwanetseng go se nna mo ofising eseng jaaka go ntse mo nakong eno. A re jaanong ba ya go nna dingwaga tse tharo mo ofising motho a bo a ka thapiwa gape ka go ikopela tiro. Mme Mogomotsi o tsweletse a re barongwa ba ya go nna le dikarata tse ba tshwanetseng go itshupa ka tsone go fokotsa dingongorego tsa setshaba le go ka ba farologanya le batho bangwe ba ba ipitsang barongwa mme e se bone. O rile dikarata tseo ke tsa boleng jo bo kwa godimo tse di ka sekeng tsa itirelwa motlhofo. O tsweletse a re madi a bond e ntse ele P20 000 mme ba batla a okediwa go nna P100 000 kana ka fa ba tla a dumelanang ka teng. O ile gape a re ba tshwanetse go nna le letlole la morafe gore ba kgone go supa go tsena le go tswa ga madi le gone go itsa go tlhakatlhakanya madi a bone le a setshaba. A re go botlhokwa go supa dipoelo tsa bone tsa kgwedi le kgwedi. Mme Mogomotsi a re ba ya go simolola go ba etela ba sa ba itsise go bona gore a ba dira dilo ka fa tshwanelong le gone gore a ba tshwara dibuka sentle. E ne ya re a bua mo boemong ja lekgotla la ba bueledi, mmueledi Rre Gabriel Komboni go tswa kwa komponeng ya Phumaphi le Chakalisa kwa Francistown, a tlhalosa ka botlalo ka Trust Account le bomosola ja yone a re e thusa thata mo tsamaisong ya ofisi le go dira dilo ka tolamo gammogo le go itse go tsena le go tswa ga madi. A re go tlhoka tshwaragano le tirisano mmogo ya motia fagare ga babueledi le barongwa ka bobedi jwa bone ba tlhokana gore tiro ya bone e tswelele. O tsweletse a re barongwa ke badiragatsi ba molao ka e le bone ba isang dipampiri tsa tshwetso e lekgotla le e tsereng kwa go yo go ngongoregiwang ka ene, tse fa gongwe di tlhokang tuelo ya madi kana thekiso ya dithoto. Rre Komboni a re madi ao ga se a bone ke a batho ba ba kolotiwang, jaanong go mosola go nna le letlole kwa madi otlhe a tsenngwang teng fa a sena go tsewa kana morago ga thekiso. A re gore seo se kgonege, go botlhokwa gore melawana ya ditsamaiso e nne teng go rurifatsa tshimolodiso le go nna teng ga Trust Account. A re go tlhoka gore madi otlhe a tsenngwe mo letloleng leo mme ga e tlhakanngwe le madi a kgwebo. O tlhalositse fa ditsamaiso tsotlhe tsa go baya madi le melawana di tshwanetse go salwa morago, a tlatsa ka gore ka tshwanelo mongwe le mongwe yo o thusiwang o tshwanetse go nna le faele ya gagwe, mme fa motho a le mongwe a na le dikgang tse di fetang bongwe le difaele di tshwanetse tsa feta bongwe. Mo boemong ja bangwe ka ene, mongwe wa ba barongwa ba makgotla a ditsheko Rre Ikageng Seloi a re ba kopa tirisano mmogo le ofisi kgolo ya bone eleng makgotla a ditsheko, segolo ya ga mmakaseterata le babueledi. A re bone ba beile matshelo a bone fela mo diatleng tsa babueledi. Rre Seloi a re ga ba kgone go dira tiro ya bone ka tshosologo ka ba sa sirelediwa ke molao, a supa fa marapo otlhe a neetse babueledi, mapodise le bo mmakaseterata. A re ba beile mo go beelweng monwana ke bobedi joo gore ba kgone go bona dikatso go sa nneng jalo ga ba kake ba dira sepe. O ile a re setshaba se ba bitsa magodu, ka mongwe le mongwe a kgona go ipitsa morongwa wa makgotla a ditsheko. Rre Seloi o supile botlhokwa ja go nna le lekgotla la barongwa mme a tlhalosa fa a sa itse gore go pala eng gore le kwadisiwe semmuso ka sengwe le sengwe sa lone se weditswe. A re ba tswa kgakala ba bua ka go nna teng ga ditlankana tsa itshupo. A re mo nakong e nngwe ba iphitlhela ba le ka fa tlase ga kgatelelo, mme ba tlole molao, ba dire se babueledi, bo mmakaseterata le mapodise ba reng ba se dire ntswa ba ntse ba lemoga gore ga go ka fa tsamaisong. O ile gape a re dituelo tsa bone di saletse morago ka jalo di tlhoka go sekasekwa. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Dikgomo di bolailwe ke botlhole kwa Letlhakeng Mothusa Ramapodisi wa Letlhakeng, Rre Moses Morolong a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone dikgomo di le tharo di fitlhetsweng di sule kwa lefelong le go latlhelwang matlakala kwa go lone kwa motseng oo. Mo potsolotsong le A re e rile ba sekaseka lefelo leo go batla se se ka tswang se bolaile dikgomo tseo, ba fitlhela menontshane ya dijalo le dijalo dingwe di tshwana le mabele le dinawa tse di tshetsweng botlhole. Rre Morolong a re ba ne ba ikopanya le ba lephata la temo- thuo ba ba fetileng ba tlhalosa fa e le bone ba latlhetseng botlhole joo koo. A re ban e ba kopa motlhatlhobi wa nama go tla go thusa ka ditlhotlhomiso, yo e rileng a bua dikgomo tseo a fitlhela di senyegile e bile di na le monko o o maswe. Motlhatlhobi yoo, Rre Dikabelo Tlantape a re kgomo e le nngwe mo go tse tharo tseo e ne e dusa mme a tlhalosa fa a tsere dirwe dingwe go di isa kwa matlhatlhobelong magolo go ya go tsweledisa tlhatlhobo. Mongwe wa beng ba dikgomo o ne a supa khansele-potlana ya Letlhakeng ka monwana go bo e sa tsibogele go baakanya terata ya lefelo leo e e saleng e ole, mme a re ba solofela gore ba lephata temo-thuo ba tlaa ba phimola dikeledi. Rre Morolong o ne a kopa barui go tlhokomela leruo la bone ka ke lone ba itshetsang ka lone, a tlatsa ka go re ba sepodisi ba tshwenngwa thata ke loruo lo lo gobeyang mo metseng bosigo le motshegare ka lo kgona go baka dikotsi mo ditseleng. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Palamente e dumalane ka molao wa kotlhao ya ditagi Mopalamente wa Letlhakeng/Lephepe, Rre Liakat Kablay a re Palamente e e sa tswang go fela e dumalane ka molao wa gore fa motho a tshwarwa a rekisa ditagi, a atlholwe P1 million kana dingwaga tse di masome mabedi le botlhano mo kgolegelong. Rre Kablay o boletese jaana a lekodisa batlhophi ka tsa Palamente e e fetileng, a tlatsa ka go re diritibatsi di apesitse Botswana kobo ka letshoba. Mopalamente o tlhalositse fa thitibalo e Batswana ba neng ba itsewe ka yone e fetogile ka go tletse dintwa le dipolaano, mme bontsi bo bakiwa ke badikgwebo ba ba sa obameleng dinako tsa thekiso le diritibatsi tse di rekisiwang e se ka fa molaong. O tlhalositse gape fa Palamente e buisane ka molao wa gore di Trust tsotlhe di kwadisiwe di bo di laolwe ke Master of High Court, ka puso e lemogile fa batho bangwe ba ikhumisa ka tsone, a tlatsa ka go re fa molao o sena go tsena mo tirisong, Trust nngwe le nngwe e e tlaa fitlhelwang e sa ikwadisa e tlaa atlholwa madi a a sa feteng P20 000 kana kgolegelo ya dingwaga tse pedi. Mopalamente Kablay o boletse fa puso gape e phimotse kgang ya gore motho a tle ka batho ba le bararo ba ba mo fetang ka dingwaga tse di lesome fa a batla go dira karata ya Omang, ka se se ne se dira gore batho ba ba dingwaga di kwa godimo ba palelwe ke go dira dikarata ka jaana bagolo ba tlhokafetse ka bontsi. O boletse gape gore madiadia a a neng a le kwa lephateng la Omang a rarabolotswe, a supa fa lephata le rekile didirisiwa tse disha go tsweledisa tiro. Fa a ama lephata la banana, mopalamente o ne a tlhalosa fa mo kgaolong le fiwa P2 million ka ngwaga mme ba setse ba supile fa madi a a sa lekana kgaolo. Mopalamente Kablay o supile fa puso e tlhofofaditse tsela ya go tsaya visa, le go tseela batho masimo, mme maikaelelo e le go thusa batho go rema masimo gore ba tle ba leme ba ntshe dijo tse di lekanyeng. Rre Kablay o ne a rotloetsa batlhophi ba kgaolo ya gagwe go shafatsa dikarata tsa Omang gore ba tle ba kgone go ikwadisetsa ditlhopho. Fa a tswa la gagwe, Mokhanselara wa pele wa Moshaweng, Rre Moffat Gopadileng, o ne a supa fa ba itumelela gore puso e tsaya kgato go busetsa dilo mannong. Mo go tse dingwe, Rre Gopadileng o ne a ntsha matshwenyego a gore ditagi di bonala thata kwa dikoleng, mme a kopa puso go tsenya leitlho thata teng. Mokhanselara wa pele wa Letlhakeng Bokone Rre Jacob Lebeko o ne a lebogela tiro e e dirwang ke mapodisi ya Operation Kgomo Khumo. Rre Lebeko o supile fa ba ne ba solofetse gore sepatela se tlaa agwa monongwaga, mme a ntsha matshwenyego a gore ditshupo tsa kgaolo ya Letlhakeng di eme ka ntlha ya gore ga ba na lebala ka le sutetse kago ya sepatela. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Bakgatla ba gakologelwa Kgosi Linchwe lick to see more pictures Banni ba Pilane ba ne ba kokoana kwa kgotleng ya bone go tla go amogela mpho ya mokwalo wa lekotswana o o supang gotlhe ka pulo ya ofisi ya kgotla ya motse oo. E rile Kgosi Mothibe Linchwe a amogela mpho eo ka Mosupologo Ngwanaatsele a tlhola lesome le borobabobedi, a tlhalosa fa tiro e e shafatsa mosepele le tiro e Kgosi Linchwe a e diretseng lefatshe la Botswana. A re se ke tlotla e kgolo mo moeteledingpele wa tlhwatlhwa yo o neng a dira ka bonatla mo go tsotlhe tse a neng a di romiwa e bile a sa rate batho ba ba boitseme. Kgosi Mothibe yo o gatileng mo dinaong tsa ga Kgosi Linchwe ka go nna moeteledipele wa makgotla a Setswana a boikuelo, a re ke tlotla e kgolo fela thata gobo a amogela mpho ya mogaka yo o neng a dira tiro ka botswapelo. A re ke tshwanelo ya Batswana gore ba tlotle mabutswapele a a diretseng lefatshe leno mme ba le re naya le setse le tlhabologile jaana. Kgosi Mothibe o ne a lebogela kompone ya Red Glow e e dirileng mokwalo o montle oo wa pulo ya ofisi, o o betletswe mo lentsweng ka botswerere; mokwalo o o neng wa sirololwa ke Kgosi Lenchwe ka ngwaga wa 2000. A re se se tshwanetse go gwetlha Motswana mongwe le mongwe go nna le seabe mo go direleng lefatshe leno, bogolo jang ka lefatshe le agiwa ke popagano. O ne gape a tsaya sebaka seo go gakolola magosi go busa merafe ya bone ka tlotlo le lorato, le gone go bereka ka fa molaong. Mogolwane wa kompone ya Red Glow, Rre Naphtal Kaeparura, a re o dirile tiro e morago ga gore mokwalo o o supang gore ofisi e butswe leng, ke mang, o ngaporologe mo lekotswaneng mme wa bewa mo ofising. A re o ne a lemoga botlhokwa jwa go lemotsha Batswana gore ofisi ya Pilane e ne ya bulwa ke Kgosi-kgolo ya Bakgatla Kgosi Linchwe, e bile seo gape e le sesupo sa ditso tsa morafe wa bone. Rre Kaeparura a re go botlhokwa gore le dikokomane di tle di itse sentle ditso tsa Bakgatla ka mokwalo o e tla nna wa sennela ruri. A re o ne a dira tiro e ka gore tebelopele ya 2016 e gaufi mme le ene o ne a batla go nna le seabe mo ageng tshaba ya Botswana. Rre Kaeparura o ne a rotloetsa boradikgwebo jaaka ene go ema ka dinao go thusa mo metseng e ba nnang mo go yone le go tsenya letsogo mo ditirong tsa setshaba. BOKHUTLO society 9 Tamog Tours e abela bana paka Mogolwane wa khamphani ya Tamog Tours and Safari, Rre Mogomotsi Motlapele o abetse bana ba le batlhano ba sekole se sebotlana sa Andrew Wellio kwa Maun kapari ya sekole e e feletseng. Fa a bua kwa tirong ya kabo eo bosheng, Rre Motlapele o ne a re o itumelela gore Modimo o bo o mo file pelo ya go utlwela bangwe ka ene botlhoko. O ne a rotloetsa bana ba sekole gore le bone ba ithute go nna le mowa wa neelano ka gore go dira jalo, Modimo o tlaa ba tlhogonolofatsa. Rre Motlapele a re o ne a bona go le matshwanedi gore a neele bana ba ba tlhokileng lesego kapari ya sekole e e feletseng gore le bone ba kgone go nna le maatla a go dira sentle mo dithutong tsa bone ba sena matshwenyego. O ne a tlhalosa fa seelo sa Botswana sa 2016 sa letshego le le reng tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala se tshwanetse go diragadiwa. Rre Motlapele a re ba dirisitse fetang dikete tsa pula di le tlhano go rekela bana paka, dibuka, marokgwe a metshameko le dikipara, ditlhako tsa sekole, dikete le kapari ya mariga. Mogolwane wa lephata la thuto, Mme Didimalang Mmemo o ne a akgola Rre le Mme Motlapele gore ba bo ba dirile maiteko a a kana. A re se se itumedisa bogogi jwa thuto ka gore bana ba ba thusitsweng ba tlaa kgona go ithuta ba se na sekgoreletsi sepe mme ba dire tiro ya sekole ka botswapelo. O ne a kopa batsadi gore ba tlhokomele dimpho tse bana ba di filweng gore maiteko a baabi a seka a felela mo phefong. education 4 Mapodisi a beile setopo sa mme wa Swasing Mapodise a Kang a tshegeditse setopo sa mme wa dingwaga tse di masome matlhano le botlhano, yo o tlholegang kwa Switzerlandkwa kokelong-potlana ya Hukuntsi, morago ga gore a amege mo kotsing ya koloi, e e feletseng e gapa botshelo jwa gagwe. Go tlhalosiwa fa mme yo a tlhokafetse morago ga gore koloi e ba neng ba tsamaya ka yone e pitikologe mo tseleng ya Trans-Kalahari Highway ka Tshipi. Mo puisanong le A re mme yoo o ne a tsamaya ka koloi ya modiro wa Toyota Landcruiser, mme a pegile rre mongwe wa mosweu, yo o dingwga tse di masome matlhano le bobedi. A re go ya ka ditlhotlhomiso tsa mapodisi, bobedi joo e ne e le bajanala ba le mo loetong go ya Namibia. Supt Chingabe a re go bonala fa mme wa mokgweetsi a ne a leka go feta teraka, mme a retelelwa ke go boela mo moleng wa molema, a latlhegelwa ke taolo ya koloi mo e feletseng e pitikologa. A re mo tiragalo eo, mme wa mokgweetsi o ne a tlhokafala, fa wa rre ene a ne a falola ka bobi jwa segokgo le fa a ne a bona dikgobalo tse di maswe mo kgetlaneng. Supt Chingabe a re mopalami wa rre o ne a fofisediwa kwa Namibia go tlhatlhojwa ke dingaka. O tlhalositse fa go santse go dirwa dithulaganyo tsa go fofisetsa setopo gae. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Mapodise a tlhotlhomisa leso Mapodisi a Selebi Phikwe ba tlhotlhomisa leso la monna mongwe wa Tsetsebjwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le bongwe yo o fitlhetsweng a tlhokafetse kwa maitisong ka letsatsi la bofelo la ngwaga (31 December 2015) ko merakeng ya Majweng gaufi Selebi Phikwe. Mo potsolotsong le BOPA, motshwarelela ramapodisi wa Selebi Phikwe, Superintendent Goganang Pule a re go belaesega moswi a tlhabilwe ka sengwe se se bogale. Rre Pule a re ditlhotlhomiso di santse di tsweletse mme ga ba ise ba tshware ope mabapi le leso la monna yoo mme ba mo patlong ya modiramolato. Superintendent Pule a re ba kopa setshaba go ba thusa ka ditlhotlhomiso mme ope yo o nang le kitso kana lesedi ka kgang e a ikopanye le mapodisi. Mo go tse dingwe Superintendent Pule o supile gore ka malatsi a keresemose le a ngwaga o mosha mapodisi a Selebi Phikwe a gatistse dikotsi tsa dikoloi di le tharo, dititeo di le lesome le bobedi, dikgang di le tharo tsa go thubiwa ga matlo,le dikgang tse pedi tsa go amoga batho dithoto ka tsietso. Le fa go ntse jalo Superintendent Pule a re, e le ba sepodisi ba itumelela boitshwaro jwa banni ba kgaolo, le bagwebi ba mafelo a itloso bodutu ka gore ba ne ba dirisanya le bone sentle e bile ba tswetse ka nako e e neng go dumalwane ka yone. crime_law_and_justice 1 Batsadi ba Takatokwane ba emetse thuto ka dinao Batsadi bangwe ba tlhaga mo go tshwaraganeleng tiro ya bana ba bone le barutabana ka go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana le gone go lekola dithuto tsa bana. Mo maitekong a go thusana le barutabana mo go ageng setshaba se se rutegileng, batsadi bangwe ba baithuti ba sekole se sebotlana kwa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, ba akgoletswe go bo ba gatetse pele mo go tshwaraganeleng tema ya go ntsha maduo a bana a nametsang le barutabana gore e re ka ngwaga wa 2016 setshaba se bo se rutegile. Fa a bua kwa moletlong wa tsamaya sentle wa baithuti ba lokwalo la bosupa bosheng, mogokgo wa sekole seo, Rre Kgaogano Pagiwa, a re tshwaragano le tirisano mmogo magareng ga bone le batsadi ke e e itumedisang segolo jang batsadi ba baithuti ba ba neng ba sa tswa go fetsa lokwalo lwa bosupa. A re le ntswa go sa ntse go na le bangwe ba ba palo potlana ba ba sa ntseng ba akanya fa thuto ya bana e le mo diatleng tsa barutabana ka go itlhokomolosa go tsenelela diphuthego tsa batsadi le barutabana, mme gone bontsi bo iketeile ka thupana go rotloetsa bana le gone go ba ruta boitsholo jo bo eletsegang mo setshabeng. Rre Pagiwa o tlhalositse fa se se ba itumedisitseng le go feta ka bana ba lokwalo lwa bosupa e le go bo ba ne ba tsena sekole sentle, mme a supa fa seo se kgonagatse ka mabaka a gore batsadi ba lemotsha bana ka bomosola jwa thuto, mme a kaya fa kemonokeng eo e thusa fela thata. A re baithuti kwa sekoleng seo e sa ntse e le bana fela ba ba kgalemelesegang ka ba sa tsenye barutabana dingalo le gone go ba tlhokela botho, a bua jalo a ntse a iteela batsadi legofi go bo ba ruta bana maitsholo a a eletsegang gore e tle e nne baeteledipele ba lefatshe leno ba ba popota. O ne gape a tlhalosetsa batsadi gore baithuti ba ba sa tswang go fetsa lokwalo lwa bosupa ba tla seke ba fetele kwa sekoleng se segolwane fa ba tsere maemo a D, mme ka jalo ba tla fiwa sebaka go boelela lokwalo leo gape go netefatsa gore ba dira sentle. Mo go tse dingwe, Rre Pagiwa o supile fa ba sa ntse ba lebanwe ke kgwetlho ya puo, a supa fa bana koo ba dirisa thata puo ya Sekgalagadi thata mme e re morago ba thatafalelwe ke go dirisa ya Setswana le Sekgoa, mme a ikuela thata mo batsading go ruta bana dipuo tseo fa ba le kwa malwapeng. Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana kwa sekoleng seo, Mme Peolane Modisaotsile, o gwetlhile batsadi go tswelela ka go thusana le barutabana, a tlhalosa fa mabogo dinku a thebana. A re go tshwaraganela thuto ya bana ke bana-le seabe botlhe go botlhokwa thata ka go tsisa maduo a a nametsang mo dikoleng, mme a kopa baithuti le bone go ikanya thuto le go dira ka natla go ipetlela botshelo jo ba ka sekeng ba bo amogwe ke ope. A re go botlhokwa thata gore batsadi ka kakaretso ba rute bana boitsholo jo bo amolesegang ba sale babotlana ka gore go ka thusa gore ba kgone ba itse molemo le bosula, mme go tle go nne motlhofo gore ba ka hema dikgwetlho tse ba ka iphitlhelang ba le mo go tsone fa ba gola. Bokhutlo education 4 Pula ya matlakadibe e dira tshenyo kwa Sasakwe Ba lelwapa laga Mme Mmantsha Montwedi wa dingwaga tse masome a supa le borobabobedi kwa masimo a Sasakwe mo kgaolong ya Kweneng ene yare ka matlhatso bosigo ba welwa ke seru fa pula ena ka setsuatsue le ditladi. Mme Sale Thathau yo e leng ngwana wa ntlha wa ga Mme Montwedi o tlhalositse fa tiragalo e e diragetse magare ga nako ya borobabongwe le ya bolesome le motso bosigo. A re go simologile ba ititsitse fa ntle mme ba tloga ba bona maru a pula a ntse a ipopa mme ka ponyo ya leitlho go ise go nne le bokao jwa gore pula e simologa gona, ga tsoga matsubutsubu, ba bo ba iphalotsa ka go tsena mo matlong. O tlhalosiste gore pula e simologile ena ka mashetla. A re one a tshabetse pula mo ntlong e ngwe le bana mme ba bangwe ba lelwapa la gagwe le mme mmaagwe bane ba tshabetse mo ntlong e sele. Thathau o buile gape gore metsotsonyana pula e ntse e simolotse gona one a utlwa go ratha ga tladi go salwa morago ke modumo o mogolo. A re pula e nele sebaka sa dioura tse tharo le sephatlo mme erile morago e kokobela, a kgatlhantshiwa ke monnawe fa ntle a re oba tlhola gore pula ga e aba ama le bana, mme Mme Sale a re one a akabala a bona ntlo e nne bo monnawe ba tshabetse mogo yone e kumugile marulelo. A re bane ba rile ba tshabela kwa ntlong e nngwe fa marulelo a sena go tsewa ke phefo mme ba retelelwa ka metsi ane a ela a le mantsi a thibile lelwapa. O tlhalositse fa e rile ka nako ya bone makuku, pula e setse e kgaoditse le go ela ga metsi mo lelwapeng go eme, ba tswela kwa ntle ba anega dithoto tse di kolobileng, ba ntsha le dijo ka tsone dine di senyegile. Thathau a re bane ba lemoga fa dipotsane tsa bone di le lesome le botlhano di tserwe ke metsi ga mmogo le dikoko. O tlhalositse fa ka bolesego go sena ope wa bone yo o nnileng le dikgobalo. E ntse ele mo masimong a Sasakwe, ba lelwapa laga Rre Mogapi Gabokganelwe wa dingwaga tse masome a marataro le boraro, yoo o nang le mosadi wa gagwe le ngwana, bone le bone ba ne ba welwa ke seru fa matlo a bone a le mabedi a ne a feelwa metsi. Rre Gabokganelwe o tlhalositse fa le bone ka bolesego gosa gobala ope mo go bone le leruo le sa tsewa ke metsi. E rile ka nako ya potsolotso le ba BOPA malwapa ka bobedi a ne a setse a abetswe ditante ke ba khansele ya Kweneng. Mme Diane Rahube wa ofisi ya tsa tokafatso maduo kwa Kopong o tlhalositse mo potsolotsong fa ba santse ba le mo ditshekatshekong tsa gore malwapa a amegile gole kae gore ba rulaganye go ba thusa ka dijo. Mme Rahube o tlhalositse gape gore go amegile malwapa a le mararo mme le lengwe e le ntlo e go sa nneng ope teng. One a tshwaela gape gore ga go ise go nne le tshekatsheko ya gore dithoto tse di senyegileng tsa malwapa ka go latelana ke tsa madi a bokae. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Komiti e tsosolosa ditshupo kwa Boteti Komiti ya ditshupo ya kgaolo potlana ya Boteti e ikaelela go tsosolosa serodumo sa ditshupo tsa Boteti. Komiti e supile maikaelelo a yone mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke Kgosi Barontshi Kegapetswe bosheng. Ka jalo Kgosi Kegapetswe o ne a tlhalosa fa a solofela gore go nne le dipego tsa tiro e komiti e e dirang, a supa fa komiti eo e tshegeditse itsholelo ya bone, mme a re go tlhokega gore dipego di nne teng go bo go supiwe le diphoso nako le nako morago ga tiro. O ne a tlhalosa fa maduo a tiro a ka se bonale fa ba sa ipeele dielo tse ba berekang ka tsone. A re go seka ga nna le mowa ope wa gore batho ba lomeletsane. Kgosi Kegapetswe o ne a rotloetsa maloko a komiti go nna le mowa go beeletsa, go dira morokotso gore ba kgone ba itsweledise. A re dikomiti di tlhoka gore di itshetlele ka go tsena dithuto seka-dipuisano, a re dikhamphani tsa meepo gantsi di tsenya letsogo, mme mathata a a nnang teng ke a dipego tse e leng gore ga di felele di tsamaya sentle. A re maloko a metse e e mo tikologong ya Letlhakane ga a kgone go tsena ditshupo ka mabaka a letlhoko la madi. A re banka le yone e ne ya tshwara madi a ditshupo e batla bukana ya melawana e ba berekang ka yone. O tlhalositse fa ba santse ba na le keletso ya gore morafe wa Boteti o ka itse gore ditshupo di teng, mme a ba rotloetsa go tshwaya komiti phoso fa ba ka e tshwayang phoso teng. Rre Letebele a re keletso ke gore ditshupo tse di tlang e nne tse di tokafetseng e bile di nonofile. Fa Rre Godwin Baolatotse a supa fa maikaelelo e le go kopa thuso mo morafeng go ba thusa go tlhabolola megopolo. O supile fa boleng jwa ditshupo le ditlhabololo tsa lebala la ditshupo tsa Boteti di tshwenya fela thata. Fa Rre Oaitse Mmatlakgomo a ne a supa fa maikaelelo e le go isa ditshupo ko bathong ba metse yotlhe ya Boteti ka go farologana. Rre Kebolatlhetswe Chanki o ne a gakolola gore ditshupo tsa monongwaga di anamisiwe ke mefuta e e farologaneng, go dira gore batho ba di tsene ka dipalo tse di nametsang. politics 7 Go itlhatlhobela mogare wa HIV kega mongwe le mongwe Batswana botlhe ba kgothaditswe go itlhatlhobela bolwetse jwa HIV/AIDS go sa kgathalesege dingwaga tsa bone. Seo se builwe ke modulasetilo wa mokgatlho wa Ideal Woman Association mo potsolotsong le BOPA bosheng kwa Mahalapye. Mme Catherine Kapo a re mokgatlho wa gagwe o tshwenyegile ka go utlwa dipalo tse di tsweletseng ka go ya godimo tsa batho ba ba amiwang ke mogare wa HIV, ka jalo ba ithaopile go ruta setshaba ka bolwetse jo. A re gape ba kgothatsa banyalani le baratani go itlhatlhoba ka dinako tsotlhe go sa kgathalesege gore ke bagodi kana jang. O kgothaditse bagodi gore ba itlhatlhobe le fa bangwe ba tlaa ipotsa gore ke eng mosadimogolo le monnamogolo wa gagwe ba itlhatlhoba ntswa e le bagolo. A re seo ke sesupo sa gore bolwetse joo ga bo tsene banana fela, a re le bone ka e le bone baoki ba bana ba bone, ba na le gone go ka tsenwa ke bolwetse joo. A re o kopa Batswana botlhe go itlhatlhoba le go ithuta go amogela seemo sa maduo le fa e ka nna a a ntseng jang, a ba a re morago ga moo ba tshwanetse go rerela ba masika le ditsala ka bolwetse joo. Le fa go ntse jalo,a re o rotloetsa batho go tsaya tsia dikgakololo tsa baoki,a tlatsa ka gore molaetsa wa bone o ka ba rokotsa go itlhatlhobela malwetse go direla gone gore ba nne ba itse seemo sa bone. O kopile bagodi botlhe go dira jalo mme ba se ka ba ipolelela gore bone ba godile e bile ga ba kake ba tsenwa ke bolwetse. Modulasetilo a re o lemogile gore fa baratani le banyalani ba itlhatlhoba ka bongwe ka bongwe, ga ba bolelelane boammaaruri ka maduo a bone,ka jalo o ba kgothatsa go nna ba itlhatlhoba ba le mmogo. “Motho yo o lobelang yo mongwe maduo o tshwana fela le motho yo o bolayang yo mongwe ntswa a re o a mo rata,”a tlhalosa. Mme Kapo a re ke seabe sa bone e le setshaba go lwantsha malwetse ka go itlhatlhoba ka nako, a re ba gwetlha gore bao ba ba senang mogare ba itshware sentle fa ba tswa mo tlhatlhobong mme ba ba nang le mogare bone le bone ba itse gore ba itlhokomela jang. Mo go tse dingwe, modulasetilo Mme Kapo o kgothaditse banni ba motse wa Mahalapye go tsaya botsogo jwa bone ka tlhwaafalo. O ba rotloeditse go nwa dipilisi sentle jaaka ba laetswe ke ba bongaka. O ne a ngongorega ka batho ba ba tsweletseng ka go latlha dipilisi, a tlatsa ka gore puso e dirisa madi a mantsi go reka melemo ya malwetse. A re boeteledipele jwa metse bo tshwanetse go ema puso nokeng go ka gakolola setshaba ka malwetse. A re puso e rata batho ba yone fela thata ke ka moo e neng ya ema ka dinao go batlela setshaba dipilisi tse di ritibatsang mogare ga mmogo le malwetse a mangwe. Mme Kapo a re go tsaya kgato moo go ne ga fokotsa dipalo tsa batho ba ba neng ba tlhokafala ka ntlha ya bolwetse jo. A re go maswabi gore bangwe mo nakong ya gompieno ba bo ba sa ntse ba tlhokafala ka ntlha ya go itirela botsotsi jwa go tlhoka go tsaya kalafi sentle. Mme Kapo a re o kopa setshaba go emisa nnotagi gore dipilisi di tle di bereke sentle ka fa go tshwanetseng ka teng go lwantsha bolwetse mo mmeleng, a tlatsa ka gore bojalwa le dipilisi ga di a tshwanela go pataganngwa ka seo se le borai.BOPA health 6 Lekgotla le abela bana Moeteledipele wa lekgotla la AAP Home Based Care, Mme Martha Rampa a re go botlhokwa go lemoga gore paka ya mariga e botlhoko fela thata mo baneng. Fa a abela bana ba ba kobo dikhutshwane ditlhako kwa Mogonono le Hatsalatladi mo kgaolong ya Kweneng bosheng, Mme Rampa o boletse gore mo nakong eno lekgotla la gagwe le itebagantse thata le go thusa bana le bagolo ba ba nang le botlhoki ba feta dikete tse pedi mme ba ntse ba oketsega letsatsi le letsatsi. A re ba thusa bana kwa metseng e e farologaneng ya Kanye, Serinane, Mantshwabisi le Old Naledi kwa Gaborone. A re le fa metse ya Hatsalatladi le Mogonono e ne e seyo mo lenaneong la bone, ba bone go le maleba gore ba thuse bana ba ka gore ba itse botlhoko jwa serame mo baneng. E rile a tswa la gagwe, Mme Jean Jones wa Crossgold Services a re e ne ya re morago ga go utlwa mokgosi ba ikgolaganya le barwarrabo kwa Amerika ba Shoes for Orphan-Souls gore ba ba thuse ka ditlhako. A re bone, Debonairs le Jones’ Accounting ba ne ba kokoanya P30 000 go duelela sepagamo sa ditlhako go tswa Amerika. Mme Jones a re ba kereke ya His People Ministries le bone ba ne ba seka ba ipona tsapa go tsenya letsogo mo tirong e, a tlatsa ka gore ba ntshitse madi a a dirisitsweng go reka ditlhako go tlatsa tse di neng di tswa Amerika. O boletse fa ba itumelela go dira tiro e ka gore e supa maikarabelo a bone e le dikompone mo setshabeng. Tiro e ne e rulagantswe ke monni wa Hatsalatladi, Rre Kolana Kolana yo a boletseng gore e rile go lemoga letlhoko mo motseng wa ga gabo le e e mabapi, a ikgolaganya le ba AAP Home Based Care. E ne ya re morago ga go abela bana ditlhako, lekoko la leba kwa merakeng ya Mmathobola go bapa le Hatsalatladi kwa ba neng ba abela banni dikobo. BOKHUTLO society 9 Dikotsi tsa dikoloi di a tshwenya Banni ba Topisi le Lechana ba re ba tshwenngwa ke dikotsi tse di diragalang mo tseleng ya Gaborone/Francistown gaufi le metse eo. Ba boleletse mopalamente wa bone, Rre Kgotla Autlwetse, gore ga ba jesiwe diwelang ke dikotsi tse di diragalang mo tseleng ya A1 tse di felelang di gapa matshelo a batho. Ba re dikotsi tse di bakiwa ke leruo le le gobeyang mo tseleng bogolo jang bosigo, ba re sebe sa phiri ke gore terata e e ageletseng tsela e ole. Ba re terata e gape e kgaotswe mme ba belaela gore batho ba e kgaotse ka bomo ba batla go fetisa leruo la bone. Ba re ba kopa gore puso e ba agele terata e e kwa godimo gore dikgomo di seka tsa e senya ka go e tlola. Banni ba buile ba sa kgwe mathe ka letlhoko la metsi ba re se se ba kgoreletsa go itirela ditlhabololo le go tlhabolola ditsha tsa bone. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Topisi, Rre Baseketetsi Lesoletsile o tsweletse a re ba sale ba filwe ditsha jaanong ga ba di tlhabolole ka lebaka la gore ga gona metsi. A re se se dira gore dipalo tsa batho di ye ko tlase mo motseng wa Topisi bogolo jang ka palo batho. A re letlhoko la metsi le isa dipalo tsa bone kwa tlase mo go tlaa ba kgoreletsang go tsisediwa ditlhabololo mo motseng ka jaana motse o tlhabololwa go lebilwe dipalo tsa batho. O ne a bolela gore matlwana a boitiketso kwa sekoleng a ole ka jalo ba kopa gore khansele e ba agele matlwana a boitiketso a masha. O kopile gore kokelwana ya Topisi e okediwe ga mmogo le lebone le le tona le le gaufi le sekole le kokelwana. Rre Lesoletsile o tsweletse ka go kopa gore sekole se segolwane sa Bonwatlou kwa Serule se shafadiwe ka go bo se onetse. Fa a amogela batho, Kgosi Kgomotso Boiditswe wa Topisi a re nako e tsile ya gore Topisi e agelwe sekole se segolwane. O ile a kgothatsa morafe wa gagwe go tsena diphuthego ka ke gone kwa ba ka utlwang ka ditsamaiso tsa motse wa bone le tsotlhe tse di agang di rutiwa mo kgotleng. Fa a tswa Topisi, mopalamente o ile a tshwara phuthego ko Lechana ko le gone banni ba neng ba ikuela gore thobo ya bone e nnile boutsana ka gore pula e nele morago ga lobaka. Ba ile ba kopa gore ba direlwe mogotlha o o tlaa ba thusang go kentela dikgomo tsa bone mo go one. Fa a tswa la gagwe, mopalamente Rre Autlwetse o ne a kopa morafe gore fa ba bona terata e ole ba nne ba e tsosa. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Ba Ramokoka ba kopilwe go ithulaganya sentle Lekoko la Bakwena ba Ramokoka ba Baphalane, go tswa Afrika Borwa ba ba neng ba etetse kwa ofising ya ga Kgosi Kgari III go latedisa ditso tsa bone ba gakolotswe go boela morago go ya go rulaganya loeto lwa bone sentle. E ne e rile go le pele lekoko leo, le mo go lone go neng go le Rre Moatshe Dintwe, Rre Kagiso Mokoka yo o tlhalositseng fa a le seatla sa kgosi le bangwe ba ba tswang kwa mmadikoleng wa UNISA kwa Afrika Borwa, ba amogetswe semmuso kwa kgotleng kgolo ya Bakwena ke Kgosi Kgari III le borara jwa motse, pele ga ba ya go kopanela dipuisanyo kwa bothokong ka Laboraro. Mo bokopanong joo, rangwanaa kgosi, Kgosi Keineetse Sebele o ne a tlhalosa fa ka tshwanelo lekoko leo le kabo le nnile le mongwe yo o ba eteletseng pele le go ntsha pego e e tlhomameng ka mosepele wa se ba tlang ka sone. Rre Keineetse o bile a gakolola lekoko leo go ya go itsaya motlhala go ya go rerisana le Bakwena ba bangwe kwa mafelong a mangwe gore le bone ba tle ba tsee karolo mo dipuisanyong tse di tlaa latelang. Mongwe wa bakwadi ba mono gae, Rre Barolong Seboni le Kgosi Rodolph Mojalemotho, le bone ba ne ba iteela kobo moroko mafoko a gore lekoko leo le ye go ithulaganya sesha. E rile a ntsha la gagwe, Kgosi Kgari a lebogela maiteko a ba a dirileng, le go amogela go boela morago gore nako e ba tlang ba bo ba tla ba na le motlhala. A re loeto lwa bone lo ba buletse dikgoro le gore ba tlaa nna ba tlhaeletsanya, gape a re ba solofela fa ba tlaa nna ba tshwaragana mo ditirong tse di rotloetsang ngwao jaaka moletlo wa Dithubaruba. Mo tekodisong ya dingwe ka dintlha tse ba neng ba eleditse go bua ka tsone, Rre Kagiso Mokoka a re ba ne ba eleditse go amogana dikitso ka dingwao, maina a dikgotla, meila le meletlo ya setso ya Bakwena gammogo le kgolagano, kana kamano ya puo. A re ba lemogile fa bontsi jwa bagolo ba iketse badimong gape ba kgaogantswe ke dintwa, ka jalo ke nako ya gore ba dire ka neelano e le batho ba le bangwe. Lekoko leo le ne gape le na le bangwe ba bakanoki ba ditso go tswa UNISA, ba maikaelelo a bone ba tlhalositseng fa e le go tla go gatisa tse ba di amuleng mme morago ba di somarele kwa motlobong wa dibuka gore dikokomane tse di tlang di bone motlhala wa kwa ba tswang teng.BOKHUTLO politics 7 Mokolwane o tshegeditse bomme Bomme ba Motlhabaneng mo kgaolong ya Bobirwa ba itshetsa ka go loga ditlatlana, dipheelo, mebanki le dihutshe. Fa a bua mo potsolotsong, Mme Phoko Ramofi, o tlhalositse fa a dirisa setlhare sa Mokolwane go loga ditlatlana le mebanki eo. O tlhalositse fa letlhoko la ditiro le go batla madi e le tsone di mo pateleditseng go simolola go loga. O tlhalositse fa madi a a dirang ka go loga a kgona go reka dijo, diaparo ga mmogo le go rekela bana paka ya sekole. Mme Ramofi a re tiro ya go loga o tswa le yone goolowe e bile ke yone e mo dirileng se a leng sone. O tlhalositse fa tiro ya go loga e se motlhofo ka jalo a supa fa e tlhoka lerato le boineelo. A re o dirisa setlhare sa sekgophana gammogo le makwati a setlhare sa Monyee go dira motako wa mokolwane Mme Ramofi a re mebanki le ditlatlana tse a di logang ke tsa boleng jo bo kwa godimo, a tlatsa ka gore bosupi ke gore bontsi jwa tse a setseng a di rekisitse ga go epe ya tsone e e kileng ya boa. Mme Ramofi o tlhalositse fa ditlatlana tse a di dirang a di rekisa P10, P20 kana P30 go ya kwa go P50 fa mebanki yone a e rekisa P300. A re ditlatlana, dipheelo kana mebanki ya gagwe di rekiwa ke makgoa a dipolase le badiri ba mafelo a bojanala jaaka Tuli Lodge le Mashatu Game Reserve. A re letlhoko la didirisiwa tsa itshireletso jaaka diatlana le mmeile ka fa mosing ka a dirisa dilo tse di borai jaaka thipa le thoko go loga. Mme Ramofi o tlhalositse fa mokolwane o a o dirisang a o tsaya kwa Makadibeng go bapa le Motlhabaneng. A re go bapala mokolwane ke selo se se thata, a tlatsa ka gore ba dirisa dithipa tse ditona e bile gape go le borai ka lefelo la teng le pitlagane ka lebaka la bojang le ditlhare. Mme Jane Mfolwe ene o tlhalositse fa letlhoko la mmaraka le koloi go rwala mokolwane go mmeile ka fa mosing. O tlhalositse fa dilo tse a di logang di felela di senyegile kana di latlhegetswe ke boleng ka di nna lebaka le le leele di sa rekiwe. Mme Mfolwe a re o eletsa fa maphata a puso a ka mo etleetsa go tsena diphadisano di tshwana ditshupo gore a kgone go supa disupiwa tsa gagwe gore le ene a itsege. O tlhalositse gape fa a ka itumela thata fa a ka rutuntshiwa gore kgwebo ya gagwe e kgone go tswelela pele. economy_business_and_finance 3 Paakanyetso ditshupo kwa Bobirwa e tsweletse Banni ba kgaolo ya Bobirwa ba ipaakanyetsa ditshupo tsa mono ngwaga ka go tlhopha komiti e ntsha e e agilweng ka metse e le lesome le bongwe mme e eteletswe ke Rre Monkemedi Dingalo wa Bobonong. Rre Dingalo o boletse fa maikaelelo magolo e le go baya disupiwa tsa kgaolo ya Bobirwa kwa godimo gore morago ga disupiwa tsa dikgaolo tse di farologaneng, balemi ba metse e e lesome le bongwe ba di rekise ka palabalo gore ba nne le dipoelo. O tlhalositse fa a rotloetsa balemi ba metse eo, e leng Bobonong, Mathathane, Tsetsebye, Molalatau le e mengwe, a tlatsa ka gore setlhogo sa letsatsib se tlhalosa fa puso e eme ka dinao go bona gore Batswana ba eme ka dinao go ipaya mo seemong sa kgwebo ka disupiwa tsa temo. O ne a rotloetsa ba ba mo dikomiting tseo tse di baakanyetsang ditshupo gore ba tlhophe dipeo ka go farologana bogolong jang dinawa, mmidi, manoko, mabele le tse dingwe, gore di tle di gape maemo a ntlha go a go tsena kwa ditshupong tsa mafatshefatshe, e le bontlha bongwe jwa go nonotsha disupiwa tsa kgaolo ya Bobirwa. O ne gape a tlhalosa fa leruo la bone le le lentle thata, e bile le ka dira go le go ntle kwa ditshupong. Modulasetilo a re puso e tlhapolotse letsogo bogolo jang ka e lemela setshaba mahala. Kwa bofelong o ne a supa fa komiti e kgologolo e neetse e ntsha dibuka tse dinang le madi a ka tshwarwang P13 854.92 ka kgwedi ya Mopitlo e le lesome le boferabobedi, a a kwa bankeng ya Baclays kwa Selebi Phikwe. Maloko a komiti e ntsha ba re disupiwa tse dipotlana di supiwe morago ga ditshupo tsa kgaolo ya Bobirwa go itsa gore di seka tsa ipoeletsa. Kgosi ya Bobonong, Rre Dimakatso Patane, o ne a amogela komiti e ntsha mme a ba kgothatsa go akanya ka tse ba ka di dirang ka go nnile le pula e e namagadi mono ngwaga, e bile naga e kgatlhisa le lone leruo tota. Bokhutlo politics 7 Batho ba feta dikete tse nne ba ikwadiseditse lenaneo Kgaolo ya Kgatleng e amogetse dikopo tsa batho ba le 4896 mo lenaneong la nyeletso lehuma. Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla, e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Kgatleng Botlhaba, Rre Moagi Molebatsi kwa Mmathubudukwane bosheng, Mme Maipelo Phiase wa ofisi ya ga molaodi a re ikwadiso e tswaletswe, mme jaanong ba tshwaragane le go sekaseka dikopo tsa baikopedi. Mme Phiase a re bo mmaboipelego ba ba mo metseng ba tshwere ka natla go kanoka dikopo a ba a tlhomamisa gore mo Mmathubudukwane, tiro ya go kanoka dikopo e simolotse ka Mosupologo mo bekeng ee fetileng “Ba tsile go tswelela ba le etela mo dijarateng tsa lona go tla go tlhatlhoba diemo tsa lona, ebile ke le rotloetsa gore ba le fitlhele mo malwapeng,” ga tlhalosa Mme Phiase. O tsweletse a supa gore bo mmaboipelego ba neetswe boikarabelo jwa go tlhatlhoba eba ba tsaa ditshwetso tsa gore go thusiwa mang, ga go thusiwe mang. “Ba tla le tlhalosetsa, mme gape fa go na le ba ba ngongoregelang ditshwetso, ba letlesega go kwalela mokwaledi wa khansele go supa fa ba sa itumelela ditshwetso,” a tswelela Mme Phiase. Mo metseng yotlhe e e masome a mararo le bobedi e e tsentseng dikopo, e le metlhano e kwadisitse dipalo tse di kwa godimo tsa ikopelo. Boseja South e di gata ko pele ka 486, ebe e salwa morago ke Rasesa ka 376, Makakatlela ka 350, Ntshinoge ka 305 le Oodi ka 290 fa Mabalane ke yone go ikwadisetse 14. Fa a ntsha la gagwe, Mme Chenesani Motlhatlhedi wa ofisi ya tsadiso ya leruo o boleletse balemi-barui gore lenaneo la LIMID le buletswe, mme la ya go tswalelwa ka kgwedi ya Lwetse mono ngwaga. O supile gore lephata la gagwe le sekaseka dikopo tsa ngwaga oo fetileng tsa lone lenaneo le la LIMID. Mme Motlhatlhedi o tsweletse gape a tsibosa barui gore ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi ale lesome le borababobedi, monketi o tlaabo a boloditse letsholo la go kenta dikgomo. economy_business_and_finance 3 Go ithola ditiro go baya Batswana ka fa mosing Mopalamente wa Jwaneng-Mabutsane, Rre Shawn Ntlhaile, a re go ithola ditirelo ga puso go baya bontsi jwa Batswana ka fa mosing ka jaana go isa ditirelo kwa go bone go reketla. Erile a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Jwaneng bosheng, Rre Ntlhaile a tlhalosa fa go ithola ditirelo go tla ka dikgwetlho tse di farologanyeng tse di felelang di ama matshelo a Batswana. O ne a fa sekai ka ditirelo tsa metsi tse di neng tsa fudusiwa go tswa kwa lephateng la Water Affairs go ya kwa komponeng ya Water Utilities. A re Batswana ba ne ba tlwaetse gore dilo dingwe ba di akola mahala kana ka tlhwatlhwa e e kwa tlase fa ba santse ba sielwa metsi ke Water Affairs, mme jaanong dilo di fetogile ka ditlhwatlhwa tsa Water Utilities le tsone di pagame. O supile fa metsi e le selo se se botlhokwa go di feta tsotlhe mo botshelong jwa motho, mme ebile go le botlhokwa gore ditsamaiso tsa go a bona e nne tse di motlhofo mo Batswaneng. O gwetlhile puso go tsenya kgang e leitlho gore batho ba ba dikobo dikhutshwane ba fokolediwe ditlhwatlhwa tsa metsi. Rre Ntlhaile o ne gape a supa fa go ithola tiro ya go baakanya dikoloi tsa puso go tletse Batswana ka nku e sa buiwa ka jaana bontsi jwa dikoloi tsa puso jaanong di se mo tirisong. A re moragonyana fela tiro e e sena go ntshiwa mo lephateng la Central Transport Organisation (CTO) e neelwa dikompone tse di ikemetseng, go ne ga simolola go supega fa go na le dikgwetlho tse dintsi. A re seemo se se tsisitse mahutsana mo Batswananeng ka gore jaanong dikoloi tsa puso di eme ga di kgone go isetsa batho ditirelo jaaka e le tshwanelo. Erile ba mo kgwa dikgaba, banni ba toropo ya Jwaneng le bone ba supa matshwenyego ka koporase ya Water Utilities e ba reng e palelwa ke go ba tlisetsa ditirelo ka fa tshwanelong. Mongwe wa batsena-phuthego Rre Jonathan Tebogo o ne a supa fa lephata la metsi le sa ba siele metsi sentle mme ebile ditlhwatlhwa tsa bone e le tse di tsisibanyang mmele. A re e re ntswa metsi e le one botshelo, koporase eo e a turusa mo go tlaa felelang go humanegisa batho. O supile fa gape seemo sa diphaephe tse di gopang metsi a a leswe e le se se ngomolang pelo mo ebileng toropo e setse e phephetha sebodu gongwe le gongwe, bogolo jang kwa mapalamelong a dibase. A re dipompo tseo di supega fa di le dikgologolo ebile jaanong di sa tlhole di kgona morafe o o tsweletseng ka go oketsega mo toropong. Rre Onkabetse Mathaithai le ene o ne kgala a sa kgwe mathe tshwetso ya puso ya go ithola ditirelo a supa fa dipalo tsa Batswana di santse di le dipotlana go ka dira jalo. A re puso ya Botswana e kabo e iketletse go ithola ditirelo pele, bogolo jang di tshwana le tsa metsi. A re bontsi jwa batho ba busiwa kwa diofising tsa Water Utilities ba sa duela metsi mme moragonyana ba kgaolelwe go supa fa ba kolota madi a mantsi. A re selo se ga se supe tirisanyommogo fa ga gare ga kompone eo le morafe wa Jwaneng. Erile a tsibogela dikgang tse, mookamela kompone ya Water Utilities mo Jwaneng Rre Ditiro Mogotlhwane a supa fa metsi a ba a sielang morafe wa Jwaneng a sa lekane ka jaana le bone ba reka kwa moepong. A re gape kgwetlho e ba kopanang le yone mo tirong ya bone ke go tlhaela ga didirisiwa ka jaana ba fitlhetse dipompo tsa metsi di onetse fa ba tsaya mo Water Affairs. Le fa go ntse jalo o supile fa ba eme ka dinao go baakanya seemo sa dipompo tsa kgopo ya metsi a a leswe ka thuso ya ba moepo. O kopile banni ba Jwaneng go tlhokomela dipompo ba bo ba emisa le go tsenya dilo tse di kganelang metsi go feta. BOKHUTLO society 9 Baapei ba borotho ba mo dithutong Barutwana ba ba rutintshiwang ka go apaya borotho ka lenaneo la nyeletso lehuma, ba rotloeditswe go tsaya dithuto tseo ka tlhwaafalo, segolo bogolo ka go phepafatsa dikgwebo tsa bone le go oka bareki. Mafoko a, a boletswe ke modulasetilo wa khansele potlana ya Ramotswa, Rre Thabang Keakile, fa a amogela baithuti bao bosheng . Rre Keakile o lebogetse ba ofisi ya boipelego go rutuntsha Batswana ka go intsha mo lehumeng, ka ke thotloetso e e tswang kwa go Tautona wa lefatshe leno. O rotloeditse baithuti bao go tlhwaafalela go intsha mo lehumeng gore ba kgone go itshetsa. E rile a ba ama ka lefoko, mogolwane go tswa kwa lephateng la boipelego kwa Ramotswa, Rre John Sephobe, a tlhalosa fa puso ya lefatshe leno e tsere tshwetso ya go ntsha Batswana mo lehumeng la nta ya tlhogo ka gone go supagala fa Batswana ba le bantsi ba tshelela mo lehumeng. Rre Sephobe o tlhalositse fa puso e leka ka bojotlhe go baya Batswana mo botshelong jo bo nang le seriti, ke sone se e ba fang sebaka sa go itlhophela dikgwebo potlanatse ba ka di kgonang le gone go ba ruta ka tsone. Mogolwane go tswa ofising ya Enviromental Health Rre Monthusi Molefe, ene o tlhalositse fa mosola wa bophepa mo kgwebong e le go hema malwetse, go kgotlelesega ga dijo le go oka bareki. O tlhalositse fa go le botlhokwa gore moapei a itlhatlhobele malwetse pelega a simolola kgwebo, a rwale mo tlhogong, a apare dilwana tse ditshweu, a tlhape diatla kgapetsa-kgapetsa le gone go fokotsa go bua thata fa a apeile. O gateletse gore lefelo la boapeelo ga le a tshwanela go nna le dintsa le dikatse le gone go gogela motsoko tota. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Kokelo ya Palapye e mosuke Mo leetong la gagwe la go lekola dikokelo tse di potlana le bodiredi jwa tsone, mothusa tona wa botsogo, Dr Gloria Somolekae o lemogile seemo se se ngomolang pelo kwa kokelong ya Palapye, se a reng ga se farologane ka gope le sa kokelo ya Bobonong. Morago ga go tsamaisiwa le dikago tsa kokelo, mothusa tona o ne a kaya fa go ipeyeng mo seemong sa bogogi jwa kokelo eo, seemo se ba leng mo go sone se ngomola pelo, ka ba berekela mo sepitlaganyaneng e bile ba tlhaelelwa ke malao a balwetse. A re seemo seo se ka kgoba baoki le dingaka marapo. Le fa go ntse jalo, mothusa tona o ne a tlhalosa fa tota seemo se se lebeletswe, a tlatsa ka gore seemo sa itsholelo le sone ga se ise se siame e bile gape bontsi jwa madi a a kabong a dirisiwa go aga le go tlhabolola dikokelo a dirisiwa mo diritibatsing. O kaile fa a tlhaloganya selelo sa bone, ka tota kokelo ya Palapye e dikaganyeditswe ke metse ya Tswapong, le gone gore e mo tseleng e tona e e lomaganyang ditoropo tse pedi; seo se raya gore e arametse mathata otlhe a dikotsi tsa tsela ya A1. E ne erile gole pele Dr Workneh Tesema a lekodisa mothusa tona, a supa fa Palapye ena le dikgaolo tse di ntshang ditlamelo tsa botsogo di le masome a mane le bobedi, mo palong eo ele yone kokelo potlana ya Palapye, dikokelwana tse dikgolwane di roba bongwe; mo go tsone di le pedi di na le matlo a pelegi, dikokelwana di le masome a mabedi le bobedi le mafelo a nakwana a go lekolelwang balwetse mo go one ale lesome. Dr Tesema o ne a re motse wa Palapye o thusiwa ke yone kokelo potlana ya Palapye le dikokelwana tse dikgolwane dile nne tse di berekang bosigo le motshegare go sena boikhutso. O ne gape a re e nngwe ya dikokelwana tse dikgolwane ke ya Lerala, e le yone ba rileng ga ena boroko, e bereka bosigo le motshegare. Dr Tesema le bangwe ka ene ba ne ba supa fa gona le dikokelwana tse di ikemetseng di le supa le tse pedi tsa ba Motlakase le Morupule. Ba ile ba supa fa dikokelwana tse dikgolwane tsa kgaolo dina le lenaneo la go abiwa ga diritibatsi, gammogo le la go kganela mogare go tswa kwa go mmangwana go fetela kwa leseeng, le ba reng le dira sentle thata. O ne a supa fa a mangwe manananeo a go isa ditlamelo kwa bathong ka fa tlase ga lekalana la tsa botsogo la District Health Management Teams le one a tsweletse sentle. O ile a supa fa tiego ya melemo go tswa kwa Gaborone e ngomola pelo, mme a tswa ka mogopolo wa gore go busediwe seemo sa pela sa gore dikokelo di ithekele melemo. Ka seemo sa tlhaelo ya matlo a bookelo, a re go botoka ba dikago ba thuba matlo a a teng go a oketsa, go sa ntse go emetswe go agiwa kokelo. A re go nne le madirelo a kgaolo a a lebaganeng le go baakanya didirisiwa tsa dikokelo, a tlatsa ka go supa fa seipone sa X-ray se sa bereke, le lone letlhoko la dikoloi. A re dikoloi tse di leng teng di nna fela kwa mathulelong a dikoloi tsa puso, a bolela fa seo se tsenya matshelo a balwetse mo diphatseng. Le fa mathata ale teng, ba ne ba lebogela tse puso e di dirileng go tlhabolola lekalana la botsogo mo dikgaolong, jaaka mo kgaolong ya bone tsela e e ba lomaganyang le e tona e adilwe ditena le go okediwa ga bodiredi jo bo rutetsweng tiro ya go lwantsha tshenyetso setshaba. BOKHUTLO health 6 Botlhe batla a akola lenaneo Mothusa tona wa tsa Merero ya Ofisi ya ga Tautona le Bodirela Puso, Rre Philip Makgalemele, a re baikopedi botlhe ba mananeo a nyeletso lehuma ba ba iseng ba bone dithuso ba tsile go di bona mo bogaufing. Rre Makgalemele o tlhalositse se, fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Shoshong bosheng, mme a tlhalosa fa botlhe baikopedi ba tsile go akola lenaneo le. O ne a tlhalosa gore dipalo di supa fa baikopedi ba le bantsi ba ise ba kgone go bona dithuso tse ntswa puso e ba solofeditse go ba thusa go nyeletsa lehuma. A re motho fa a aparetswe ke lehuma o tshwana le molwetsi a gateletswe ke bolwetsi ka jalo puso e ikaelela go tsibogela se, mme a tlatsa ka gore bangwe ba bone ba tsile go tshwanelwa ke go fetogela mananeno a ba neng ba a kopile go le pele. O ne a tlhalosa gape gore mangwe mananeo a diilwe ke gobo ditswempelo tse diba neng ba dikopile di sa ntse di tlhaela mme ka jalo puso e tsile go kopa gore a b aka seke ba dire a amngwe mananeo go fokotsa dipalo tsa b aba iseng ba thusiwe. Rre Makgalemele a re puso e nale maikaleleo a gore e tlaa re ngwaga wa 2017 e bo e setse e kgonne go nyeltse lehuma la nta ya tlhogo le ele aparetseng Batswana ka bontsi, ke ka moo e nang le mananeo a ka nna masome a mane le botlhano go leka go thusa bao b aba aparetsweng ke lehuma. O ne a kopa banni ba Shoshong go thusana le puso go kgona go fitlhelela maikaelelo a, a tlatsa ka gore puso e ka kgona fela fa tshwaragane le batho. Fa a tsweletse a bua ka nyeletso lehuma, mothusa tona o ne a kopa batsadi go totloetsa bana ba bone go tsaya thuto ka tlhwaafalo a re thuto eke konokono mm eke ka yone Batswana ga mmogo le puso I ka fennyang nyeletso lehuma. A re ka thuto ban aba ka kgona go tla ba ntsha batsadi ba bone mo lehumeng la nta ya tlhogo ka jalo ba tshwanetse go e tsaya tsia. Mo go tse dingwe, Rre Makgalemele o ne a tlhalosetsa banni gore poso ya motse wa bone e tsile go atoloswa kgotsa ya godisiwa mme go mo maruding a banni go bona gore e nna fa kae ka lefelo le e mo go lone le le lennye. A re fa ele gore ba akanya gore e nne fa e ntseng ele baagi botlhe b aba gaufi le yone ba tsile go atswiwa ka fa go tshwanetseng gore ba sutele tlhabologo eo ya poso. Fa a akgela mo mafokong a Kgosi Sejamorago Ntsaga a gore ditsela tse di ralalang motse wa bone di senyegile le gore motse o tletse ka dikgwa, Rre Makgalemele o ne a kopa banni go ema ka diano mme le bone ban ne ele seabe mo go tlhabololeng motse wa bone. A re kgang ya gore motse wa Shsohsong o dikaganyeditswe ke dikgwa ke kgwetlho ya banni le bone go bona gore ba ema ka dinao go bona gore le bonna ba nna le seabe mo go tlhabololeng motse wa bone. A re puso e nale dikgwetlho tse dintsi mme boikarabelo jay one bo oketsegile jaanong e sebaka sa gore banni ba busetse mowa wa go itirela le go ipelega. A re bogologolo metse ene e tlhabololwa ke mowa wa boipelego yo mo bo gompienong o tsamaileng mme ka jalo a kopa banni go ema ka dinao go bona gore le bone ba nna le seabe. Fa a bua ka dikgang tse dingwe tsa motse wa bone, Rre Makgalemele o ne a tlhalosetsa banni gore go na le thulaganyo e go nang le komiti mo motsengw a bone e ka yone e dirang dithulaganyo tsa go bapatsa motse wa bone gore bagwebi le bo rradikgwebo ba o kgatlhegele. A re komiti e, e dira ka gotlhe go bona gore motse wa bone wa tlhabologa ka go ngokela bagwebi go tla go tlama ditiro le go tlhabolola motse wa bone. Ka jalo o ne a kopa banni go ema komiti e nokeng go bona gore e kgona tiro ya bone ka go supa kgatlhego le go tsenya letsogo fa go tlhokafalang. Rre Makgalemele o ne gape a gakolola banni go ema ka dinao go busetsa dikoporase mo tirisong, a ka ya fa dikileng tsa bo di le mosola fela thata. O ne a kopa banni go ipopa ditlhopha go di simolodisa ka di ka fetola matshelo a bone. A re koporasi e siame ka yone e dira tiro nngwe le ngwe mme ka jalo b aka kgona le gone go tlhabolola motse wa bone k aba ka oketsa ditirelo kgotsa dikgwebo tsa motse wabone.BOKHUTLO society 9 Mapodisi a tshwenngwa ke batswakwa Mapodise a Oodi a kopile banni ba Matebeleng go emisa go thapa batswakwa ba ba senang dipampiri tsa mosepele le diteseletso tsa pereko ka se e le tlolo-molao. Fa a akgela kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Kgatleng Botlhaba Rre Moagi Molebatsi bosheng, Sub-Inspector Monica Gasefete a re kgaolo ya Oodi/Matebeleng e aparetswe ke dipalo tse di kwa godimo tsa batswakwa ba ba mo lefatsheng leno e se ka fa molaong e bile gape ba thapilwe ke Batswana mo malwapeng, masimong le merakeng. “Re itemogetse gore batswakwa ba, ke bone ba amegang mo dikgannyeng ka bontsi tsa borukutlhi, mme seemo se se rotloediwa ke lona le le Batswana e bile le le banni ba Matebeleng ka go tlola molao le ba thapa,” Mme Gasefete a tlhalosa. A re go le gantsi ba fitlhela dithoto tsa bogodu mo malwapeng a a hiriseditsweng batswakwa, mme beng ba malapa ao ba itira ba ba sa itseng sepe ka seemo seo. Mme Gasefete a re se se a tshwenya ka go supa fa Batswana ba eteleditse madi kwa pele e bile ba sa boife go tlola molao. “Nako tsotlhe re felela re rwala morwalo re le mapodisi fa motswakwa mongwe a sena dipampiri a tlhokofatse, jaanong re tshwanelwa ke go batla masika a gagwe le go tlhotlhomisa, mme dilo tse di ka ema fela fa re ka sala molao morago,” a tshwaela. Fa a tswa la gagwe, Mopalamente Molebatsi o ne a kaya fa go le botlhokwa gore Batswana ba sale melao morago ka e le one o o thusang puso go tsamaisa lefatshe le go thusa batho ka tekatekanyo. crime_law_and_justice 1 Montshiwa o bolokwa kwa Lehututu ka Tshipi Kgosi Kebapatile Montshiwa wa Lehututu yo o tlhokafetseng kgwedi eno e le malatsi a le lesome le boferabongwe morago ga go kubugelwa ke ditlhabi o tlaa bolokwa ka Tshipi kwa Lehututu. Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Mohumagadi Gaboete Montshiwa o tlhalositse fa moswi a ne a tlhagogelwa ke bolwetse Ngwanatsele ngogola, mme e se bolwetse jo bo neng bo mmeile mo diphateng, ka jaana a ne a ntse a tshwere a dira ditiro tsa morafe. A re ka maswabi ya re ka Laboraro, kwa Lokgwabe, kwa a neng a ile go tshwarelela kgosi wa motse oo, ka go tsamaisa manyalo, o ne a kubugelwa ke khupelo mme a ragosediwa kwa kokelwaneng ya Lokgwabe, kwa a neng a fetisetswa kwa sepateleng se se botlana sa Hukuntsi, mme ba bongaka ba rurifatsa fa a tlhokafetse. Rangwaneagwe moswi, Rre Kebalepile Leswape o tlhalositse fa a ne a ntse a tshwareletse Kgosi Montshiwa ka nako ya fa a santse a tshwerwe ke ditiro tsa puso. Ya re ka ngwaga wa 2005 a neelwa thomo ya go etelela morafe pele, tiro e rangwaneagwe a supileng a ne a e dira ka bonokopila ka jaana a kile a tlhophiwa go emela Kgalagadi Bokone kwa Ntlong ya Dikgosi. Rre Leswape a re Kgosi Montshiwa o ne a sikere mokgoro wa go etelele morafe pele ka jaana a ne a leka ka bojotlhe go atumalana le morafe go buisana le go ba ruta ka mananeo a puso gore ba tlhabolole matshelo a bone. Fa a tswa la gagwe, kgosana wa kgotla ya Mabote, Kgosana Benjamin Montshiwa o ne a supa fa ba latlhegetswe ke senatla mo motseng. O supile fa moswi e ne e le moeteledipele wa motia ka jaana a ne a leka ka bojotlhe go bopaganya morafe gore ba tswe mo semorafeng mme ba nne seoposengwe, selo se a reng se ba nontshitse pelo, ka jaana maduo a teng a bonala. A re o ne a tsosolosa dikomiti di tshwana le ya ditlhabololo tsa motse, tsa balemi-barui, banana, komiti ya batsadi le barutabana go nna le tshwaragano. O ne a tlatsa ka go re le tsone dikgosana ka makgotla a tsone o ne a sa ba katoga ka jaana a ne a nna fela mo go bone ka thuto le thotloetso ya gore ba itshware jang gore ba nne sekao mo setshabeng. Moswi, yo o tlhokafalang a le dingwaga di le 74, o tlogela mohumagadi le bana ba le bararo, bomme ba le babedi le rre a le mongwe. health 6 Thulaganyo e tsamaya sentle Tona wa thuto e kgolwane, dipatlisiso, boranyane le boitseanape, Dr Alfred Madigele, o abetse banni ba Ga-segwagwa P10 000 le kgomo go thusa mo moketeng wa peo ya kgosana. Tona Madigele, yo gape e leng Mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang, o rotse dimpho tseo mo phuthegong ya tekodiso ka dipaakanyo tsa tiro eo ka Labobedi. Peo ya ga Rre Isaac Dipuo semmuso, yo e leng kgosana e e sekisang e be e atlhola, e tlaa bo e tshwaretswe kwa Ga-segwagwa ka Labotlhano. A re go botlhokwa gore dijo e nne tse di tlaa lekanang go alosa morafe, bogolo jang ka bontlha bongwe jwa madi a a kokoantsweng go tlhalositswe fa a tlaa tsewa ke go hirisa ditante. Tona o ne a leboga thata komiti e e thusiwang ke ba ofisi ya ga molaodi le bodiredi jo bongwe jwa puso jo bo akaretsang; badiredi ba makgotla a Setswana le morafe ka kakaretso go dira ka natla, selo se a rileng se a mo kgotsofatsa gore tiro e tlaa tswelela sentle. E rile modulasetilo wa komiti e e baakanyetsang tiro eo, Mme Keolebogile Naolakgosi a ntsha tekodiso, a tlhalosa fa tiro eo e le tona thata e bile ba solofetse balalediwa ba tlotla ba feta lekgolo. A re ka jalo ke maikaelelo a bone gore e nne tiro e e tlaa kgatlhang leitlho. O boletse fa e nnile mosepele o moleele go baakanyetsa tiro eo, e bile go ne go se motlhofo go goroga fa ba leng teng. Mme Naolakgosi o tlhalositse fa ba kokoantse madi a a fetang dikete tsa dipula di le masome a mabedi le bone, dikgomo tse nne go balelwa le ya ga tona, dipodi di fera bongwe le dijo dingwe. O tlhalositse fa dimpho tsa go nna jalo di ntshitswe ka boithaopo. A re bontlha bongwe jwa madi bo tlaa dirisiwa go duela tante le badiragatsi ba ba tlaa natetshang letsatsi. Fa a tswa la gagwe, Kgosana Dipuo o ne a lebogela dimpho tse tona a di roletseng morafe, a re go a itumedisa go bona a tlhakanetse le bone tiro. BOPA society 9 Banana ba Ghanzi ba kgothadiwa go itshetsa ka ditalente Banana ba kgaolo ya Ghanzi ba rotloeditswe go dirisa ditalente tsa bone tsa bodiragatsi go itshetsa ka lefatshe leno le lebanwe ke letlhoko la ditiro le le ko godimo la banana. Modulasetilo wa komiti ya ditshupo tsa Ghanzi, Rre Jacketor Marambe o buile se mo maitisong a mmino wa setso o o neng o rulagantswe ke komiti ya ditshupo e tshwaragane le ba ofisi ya banana, metshameko le ngwao e le bontlhabongwe jwa go godisa ditshupo le mowa wa bodiragatsi mo bananeng. Modulasetilo o rotloeditse banana go fokotsa go ikaega felaka dithutego tsa bone mme ba di lomaganye le ditalente tse ba nang le tsonegore di tle di ba tswele mosola le go ba tshetsa, o kopile banana go bopaditlhopha tsa bodiragatsi ka di ka ba tshetsa le go ba ntsha mo mekgwatheng. A re o itumelela thotloetso e lephata la banana metshamekole ngwao le e fang komiti ya gagwe ka go supa le na le maikaelelo a go godisaditshupo ka ba ne ba tsisitse ditlhopha tse di gapileng maemo a ntlha modikgaisanong tsa ga Tautona lefatshe ka bophara di akaretsa mafelo a tshwanaTlokweng, Molepolole, Etsha, Khuis le a mangwe. Mogolwane go tswa kwa lephateng la banana, metshameko lengwao Rre Gobonaone Ramoupo a re lephata la gagwe le tsere boikarabelo jwa gonna le seabe sa go godisa le go bopaganya setshaba ka go rotloetsa tshomarelole kgodiso ya ngwao. Rre Ramoupo a re o akgola ba komiti ya ditshupo go bo babone go tshwanela gore ba tshwaragane mme e nne barotloetsi ka go rotloetsaone moletlo o, a re gape ba tshwaraganetse letsholo la go netefatsa fa tsabotaki le tsa ngwao di tswelela ka go nna tsela ya itshetso le go godisa A re setlhogo sa ditshupo tsa Ghanzi ke temo-thuo, go diraka go ipeela seelo se se ko godimo, le go dumela gore sengwe le sengwe se ka A re maikaelelo a bone ke godirisa moletlo o gammogo le ditshupo ka kakaretso go tlotlomatsa kgaolo ya Ghanzi, Moeteledipele wa setlhopha sa Dipela tsa ga Kobokwe go tswaMolepole se se neng se tsere karolo mo moletlong o, Rre Ontefetse Porogo, a re oitumelela go bo ba filwe sebaka sa go tla go diragatsa mmino wa phathisi o o satlwaelesegang mo Ghanzi. A re se se supa gore mmino o tshwaraganya setshaba, a resetlhopha sa gagwe ke bo mmampodi ba mmino wa phathisi mo dingwageng tse tlhanotse di fetileng tsa dikgaisano tsa ga Tautona mme le mo ngwageng ono ba ya komakgaolakgannyeng a dikgaisano tse gape. Rre Porogo a re o lebogela thotloetso e ba e bonang molephateng la banana metshameko le ngwao, a ba a rotloetsa banana go tsaya Orotloeditse banana go bereka ka thata, go nna le botho ga mmogo le go reetsadikgakololo tsa batsadi gore ba kgone go atlega mme le ditlhopha tsa bone di arts_culture_entertainment_and_media 0 Dikgosi di ngongoregela tshenyo ya terata ya molelwane Maphata a puso tswa mo kgaolong-potlana ya Serowe a ne a bolotse go isa ditlamelo kwa Mmashoro. Maphata a gogwa pele ke la ga molaodi, ba bone go le botoka go atametsa morafe ditlamelo gore go seka ga turela morafe, ka ba di latela kwa Serowe. Mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Serowe, Rre Colleen Tubego o boletse fa ofisi ya ga molaodi e ne e fudugile go ya Mmashoro go thusa ka tsotlhe tse ba ka di kgonang. A re go motlhofo go thusetsa batho kwa ba nnang teng go na le fa ba tsaya mosepele o moleele go lata dithuso, mo a kaileng fa go ba turela gape go ba tseela nako. Rre Tubego o kgothaditse ba ba batlang thulaganyo ya Re a Nyalana go inaakanya le ofisi ya ga molaodi go ikwadisa gore ba tle ba direlwe ditlankana tsa lenyalo. O boletse fa bakapelo ba ba nnang mmogo lebaka ba sa nyalana ba tsenya ofisi ya bone dingalo le ba masika a bone, ka gore fa mongwe wa bone a tlhokafala go nna bokete go kgaoganya dithoto mo go ba ba setseng. A re kwa ga molaodi setlankana sa teng se tshwana fela le tsa batho ba ba dirileng mekete e motona. Mo dikgannye tse dingwe, o ngongoregile ka bagolo le masika a a tsayang dikobo ka dikgoka mo baneng kwa Mmashoro, a bolela fa dipalo di kaya fa mokgwa oo o ile magoletsa. A re gatwe bagolo ba re ba itlhatswa madi ka bana, mo a boletseng go se ka fa molong e bile e le molato o motona. O boletse fa dikgang dingwe di sa begwe kwa go ba ba lebaneng gore badiramolato ba tseelwe dikgato, ba bangwe o tlhalositse fa ba gweba ka bana ba bone. O kopile gore ba ba bonang dilo tsa mohuta oo, ba ntshe mosi ka sekhurumelo ba begele ba boipelego kgotsa mapodisi. Ba lephata la kwadiso matsalo le dintsho bone ba kopile batho go kwadisa botlhe ba ba tsholwang le ba ba tlhokafalang ka gore dipalo ke tsone tse di thusang puso mo ditogamaanong. O kopile ba ba tshotsweng ka 1954 go ikwadisa gore ba tle ba thusiwe go bona tandabala. Mme Itemogeng Tsienyane o boletse fa bontsi jwa batho mo Mmashoro ba sena bo Omang. O boletse fa karata ya Omang e le yone makgonatsotlhe, ka e batliwa kwa dipateleng le mo ditirong tse di farologanyeng. Mme Tsienyane a re bana ka bontsi ga ba na ditlankana tsa matsalo, mo go dirang mathata fa ba setse ba ya dikoleng tse dikgolwane le mo dikgannye tsa go itseela dikobo ka dikgoka, go itse gore ngwana o dingwaga di kae, selo se se katlang mapodisi tlhogo. Ba temo-thuo ba kgothaditse banni go ikwadisetsa letsema le le tlang gore ka nako ya go phaka dipeo, ba seka ba salela kwa morago. Rre Nicholus Size o ba rotloeditse go dirisa lenaneo la ISPAAD. Ba botsogo ba District Health Management Team ba ne ba kopa banni go aba madi a mmele go boloka matshelo a batho. Gape ba ne ba tlhatlhobela batho mogare wa HIV/AIDS, madi a matona, bolwetse jwa sukiri le kgotlholo e tona. Ba ne gape ba aba dikhondomo tsa borre le tsa bomme. Maphata a mangwe a a neng a ititeile ka thupana e ne e le la tlhokomelo diphologolo, la kamogediso bagodi, la ditlhopho, la bakenti le la tshomarelo metsi. politics 7 Kgosi wa Botlhapatlou o kopa mothusi Kgosi Domkrag Omphithetse wa Botlhapatlou a re go tlhoka mothusi mo kgotleng ya gagwe go dira gore ditiro tsa bogosi di kgwelegane ka jaana di sa lekana go dirwa ke motho a le mongwe. E rile mo potsolotsong bosheng, Kgosi Omphithetse o ne a tlhalosa fa mo dinakong tse dingwe a sa kgone go thusa setshaba sa gagwe ka botswapelo ka ntlha ya go imelwa ke tiro. A re go tlhoka mothusi go dira gore ere fa ale mo malatsing a boikhutso, setshaba se bo se tlhoka yo o se thusang, selo se a reng ke go sokodisa morafe. A re mo dinakong tse dintsi go nna thata go ya malatsing a boikhutso ka jaana e tlaa bo e le moka a latlhileng, mme a re fa a ikuela ko go ba botsamaisi ba merero ya bogosi ba tlhalosa fa ditsheko tse a di tshwarang mo motsemg oo di sa lekana gore o ka nna le mothusa kgosi. Kgosi Omphithetse o tlhalositse fa karabo e e sa nametse ka jaana ditiro tsa kgotla e se ditsheko fela. O ne gape a lela ka letlhoko la ofisi ya kgotla, a re dikamore tse pedi tse di dirisiwang e le ofisi di pitlagane ka a di kopanetse le babereki botlhe ba kgotla. A re seemo seo se ba pateletsa go tlhatlagana le didirisiwa di tshwana melora e e phepafatsang ka go sena gope gape ko di ka bewang teng. A re mo makgethong a le mantsi o patelesega go tswela kwa ntle go letlelela badiri ba bangwe jaaka mapodise le bakwaledi go dira tiro ya bone. Kgosi Omphithetse o tlhalositse fa ba sa le ba solofediwa diofisi tsa kgotla pele ga ngwaga wa 2003 fa a tsena mo setilong, mme nako kgolo ke eno. O ne gape a tlhalosa fa go tlhoka diofisi tseo, go dira gore ere ba tshwere magotswana ba tlhoke ko ba ba tshegetsang teng. A re mo nakong ya gompieno ba ba tshegetsa kwa metseng ya Ngware le Hatsalatladi, mme fa gongwe fa go sena koloi ba patelesega go ba tlogela ba tsamaya. A re metse e mengwe jaana ya Diphuduhudu le Moshaweng e ba neng ba tswanetse go agelwa nako e le nngwe le bone e setse e na le diofisi. Mo go tse dingwe Kgosi Omphithetse o ne a lela ka tsela e e tswang kwa Hatsalatladi go ya Diphuduhudu, a re ke nako jaanong ya gore e tshelwe sekontere. A re mo nakong ya gompieno ba sokola ka dipagangwa ka jaana go sena bo radipagangwa ba ba ka dumelang go tsisa dikhombi mo go yone. O ne gape a lela ka letlhoko la matlo a badirelapuso, a re ba ikantse a VDC a a senang motlakase, a bo a tlhalosa fa go na le selelo sa metsi mo motseng wa gagwe ka jaana ba kgona go nna dibeke ba sa nwe. Le fa go ntse jalo, Kgosi Omphithetse o ne a lebogela lenaneo la ipelegeng, a re le thusitse thata bogolo jang mo kgotleng ka jaana ba kgonne go aga lebotana. society 9 Ofisi ya re baikopedi ba boitseme Ofisi ya nyeletso lehuma mo Mochudi e tlhalositse fa e tshwenngwa ke boitseme jwa batho bangwe ba ba thusitsweng ka lenaneo leo. Fa a bua mo puisanyong le Mme Ramathudi o tlhalositse fa ba dikile ba thusitse baikopedi ba le 221, mme ba le mo thulaganyong ya go thusa ba supa ba ba neng ba setse ngogola. Le fa go ntse jalo, o kaile fa ba tshwentswe ke go bo batho bangwe ba na le boitseme le go latlhegelwa ke kgatlhego le botlhaga mo dikgwebong, morago ga go thusiwa ka didirisiwa ga mmogo le dithuto tsa kgwebo. O tlhalositse fa ba ema nokeng botlhe ba ba tsereng lenaneo ka go ba rutuntsha le go ba baakanya tlhaloganyo go ba tsenya mo seemong sa go ka ntsha maduo le go ba thusa go tlhopha dikgwebo tse di ka ba ntshetsang maduo le gone go tokafatsa matshelo a bone. Mme Ramathudi a re ba itemogetse fa bontsi jwa ba ba akotseng thuso ya lenaneo, ba le maoto a tshupa ka jaana bontsi bo batla go direlwa le go batlelwa bareki, e bile ba dira ka go salwa morago mo go feteletseng. “Re leka ka thata go thusa batho ba rona fela botlhe, re na le thulaganyo e ka yone kgwedi le kgwedi re nnang le letsatsi la ditshupo tse di akaretsang ipapatso le thekiso ya dithuto le ditirelo, re ntsha dikoloi go ba phutha mo dikgaolong tsa bone go tla go ipapatsa le go rekisa. Le ntswa re leka jaana, bangwe ba nna fela mme ba emele nako ya ditshupo, fa ba bangwe morago ga go tsaya dithoto le didirisiwa, ba ithela moriti o tsididi le go tshikinyega ba sa tshikinyege,” a tlhalosa jalo. O tlhalosa fa ba ba ikaeletseng go bereka ka natla le go emelana le dikgwetlho, ba tsweletse ka go dira sentle e bile matshelo a bone a tokafetse. A re batho ba ba apayang le go rekisa borotho go lebega e le bone ba dirang sentle go gaisa ba bangwe. A re go supa kgatlhego le lenyora la go tswelela pele ke gone go dirang pharologanyo mo dikgwebong. O ne a tlatsa ka go re ba ba ema nokeng ka go ba batlela mmaraka le go isa maina a bone gore ba akole ditiro tsa go apeela bana borotho kwa dikoleng tse dipotlana. Mme Ramathudi o ne gape a tlhalosa fa ba swabisiwa ke ba ba kgonang go gana go tsaya ditiro tseo. A re bangwe ba santse ba sa reetse dikgakololo tsa bone fa ba tsibosiwa ka dikgwebo tse di setseng di aname di le dintsi e bile di ka seke di dire sentle, go tshwana le ya ditente. O gakolola fa go le botlhokwa go reetsa dikgakololo le go tlhopha kgwebo e e ka dirang sentle. Mme Ramathudi a re gape ba tshwenngwa ke batho ba ba tsereng lenaneo e le ditlhopha, a re go le gantsi ba na le go gogagogana, fa bangwe mo ditlhopheng ba a tle ba ikgagapelele didirisiwa tse ba di filweng e le setlhopha. A re go tlhoka morero le go buisana ka kakaretso go itshupile e le nngwe tsela e ba lemogang fa e thuba ditlhopha le gone go itsa kgolo ya dikgwebo. “Mo nakong e e fetileng, re setse re kile ra tsaya didirisiwa tsa setlhopha sengwe e le tsela ya go tsereganya ntwa ya bone. Re le lephata re na le dithata tsa go tsaya dilwana, re bo re di fa motho yo mongwe, mme re nna re leka go ba neneketsa ka tota maikaelelo e le go bona itsholelo ya batho e tokafetse,” a tlhalosa jalo. A re go na le bangwe ba ba siyang dikgwebo ba ya go batla ditiro, mme morago dikgwebo tseo di phutlhame. A re selo seo se a ba tshwenya ka maikaelelo ke go bona dikgwebo di tlhama ditiro le go hira ba bangwe. A re ba itemogetse fa batho ka bontsi ba sena mowa wa boipelego e bile ba le bonya go itirela, a re seo se supiwa ke ka fa bontsi bo itlhobogang ka bonako ka teng. Mme Ramathudi a re ba mo thulaganyong ya go fa setshaba difomo tse ba tlaa nnang ba itshwaela le go kwala pego, e le tsela ya go leka go ba fa dithata le go lepa gore a ba ka itirisa ba sa salwe morago. O ne a wetsa ka go gakolola setshaba go tlhoafalela go tokafatsa matshelo a bone, a tlatsa ka go re mananeo a buletswe mongwe le mongwe mme go botlhokwa go ithotloetsa. BOKHUTLO politics 7 Salang molao morago - Batshu Tona wa Lephata la Pereko le Selegae, Rre Edwin Batshu, o boleletse banni ba metse mengwe mo kgaolong potlana ya Charleshill gore go sa sale melao ya lefatshe leno morago ke molato. Tona Bantshu o buile mafoko ao fa a ne abuisa diphuthego tsa kgotla kwa Ncojane, Kole, Makunda le Karakubis bosheng. A re gona le Batswana bangwe ba ba sa tlotleng melao ya lefatshe, mme go dira jalo ke go diga seriti sa bone. Tona Batshu o boleletse banni fa palamente e sa tswa go fitisa molao wa go kwadisa dikereke gore fa dikereke dikwadisiwa ditshwanetse gonna le maloko ale 150. Ga di satlhole dikwadisiwa ka maloko ale lesome jaaka pele le gore dikereke ditshwanetse go isa dipego tsa bone tsa madi ngwaga le ngwaga, mme fa ele gore ga disale morago molao oo ditla phemolwa. Tona Batshu oboleletse banni bao fa kereke ele ya maloko otlhe a kereke eseng gore ke ya moeteledipele ale nosi ga batla go tsaya madi kwa bankeng garerisane le maloko a kereke a re go dira jalo ke molato. Tona a re sengwe sengwe se sedirwang mo kerekeng maloko a tshwanetse go itse go tila di kgotlang tse dintsi ntsi tse di diragalang mo dikerekeng. A re bontsi jwa dikereke di a thubega ntateng ya tsamaiso e e sa siamang. Tona one a kopa banni bao gokwadisa matsalo a bana ga batsholwa le dintsho.a re go kwadisiwa ga matsalo a bana go botlhokwa ka gore puso ga e dira ditlhabololo tsa dikolo yabo elebeletse dipalo tsa bana.le gore kwadiso ya dintsho edirelwa fa batlhokafetse Puso itse palo ya bone. Tona o boleletse banni bao gore Lephata la gagwe ke go bona gore melao ya diragadiwa ka di nako tsotlhe. Tona o tlhagisetse banni bao gore gona le bangwe ba basa diriseng dikgoro tsa melolwane a re go dira ke molato. A re Lefatshe la Botswana lena le melolwane jaaka Kgaolo ya Ghanzi eba bapile le Lefatshe la Namibia a re ona le tumelo ya gore bangwe ga batsene ka di kgoro tse dibeelwe ka fa molaong. Batshu okopile banni bao gore ka dinako tsotlhe batshwanetse go dirisa dikgoro tsa mololwane mme fa ele gore ba dira jalo ka gore ga bana di pasa a re dipasa fa ba katshwarwa ba tlanna mo mathateng. One gape a tlhagisa banni bao gore fa ba ka fitlhelwa bahirele bana ba dingwaga tse di kwatlase ga lesome le borataro baitse gore ke molato. Erile baakgela banni ba metse ya Ncojane .Kole,Makunda bakopile Tona gore ba batla Tona wa Lephata la ditsela ka jaano bas a bolo go emela tsela Ncojane/ Charleshill go tshelwa sekonotiri. Banni bao ba boleletse Tona gore ba batla Tona ya Lephata la Temo Thuo go tla go ba tlhlosetsa ka tsamaiso ya matlhabelo a Lobatse.( BMC) Banni bangongoregile that aka Matlhabelo ao ba bolelela Tona fa Matlhabelo a Lobatse a tsaya dikgomo tsa bone ka sekoloto ka gore gonna malatsi ale masome a mabedi le bongwe oletetse goya go tsaya madi kwa bankeng ke nako etelele. Banni bao gape bane bakopa gore kgoro ya molelwane wa Mamuno eo kediwe dinako gore e bulwe 24 hrs le gore bane bakopa Tona gore ofisi ya dipasa e bulwe mo Charleshill ba lebeletse gore Ghanzi okgakala le metse ya bone. E rile Tona araba atlhalosa fa tla gorosa kopa ya bone kwa Maphata ale baganyeng. erile aitebaganya le tsa lephata la gagwe a tlhalosa fa batla gosekaseka pele go bona gore baka thusiwa ka tsela e entsi jang. Tona one atlhalosetsa banni bao gore madi a bagodi a simolotse ele P100 gompieno batsaya P360.00 ka jalo Puso etsweletse ka go thusa bagodi, mme ebile ekaeletse go tlhabolola matshelo a Batswana ka karetso. society 9 Seemo sa tsela se tshwenya banni Banni ba Ditladi kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba re ga ba jesiwe diwelang ke seemo sa tsela e e ba golaganyang le Tonota ya selekanyo sa dikhilomithara di borobabongwe. O tlhalositse fa dikhuti tseo di babalela dikoloi tsa bone ka jaana di senyega kgapetsa kgapetsa. Rre Butale o ne gape a supa letshogo la gore seemo sa tsela eo se na le kgonagalo e tona go baya motse wa bone ka fa mosing go ka bona ditlhabololo ga mmogo le gone go ka oka babeeletsi ba dikgwebo. O tlhalositse fa motse wa bone e le mongwe wa metse ya lefatshe leno e e nang le meamuso le bokgoni mo mohameng wa temo-thuo. E ne ya re fa a tswa la gagwe mongwe gape wa banni ba motse oo mme Dinah Matshameko le ene a lela sa khuranyo ya meno mabapi le tsela eo. Mme Matshameko o tlhalositse fa seemo sa tsela eo se baya matshelo a bone e le banni mo diphatseng segolo bogolo mo dipakeng tseno tsa dipula tse di mashetla tse di tsweletseng ka go gosomana lefatshe ka bophara. O boletse fa e ne ya re bosheng sepagamo sengwe sa setshaba se se direlang mo motseng wa bone se ne sa batla go dira kotsi ka bone fa se ne se relela mo tseleng pula e nele thata. O bile a kopa gore tsela eo e tshelwe sekonotere kgotsa e tsenngwe ditena (paving) gonne e sekgele se sekhutshwane sa dikhilomithara tse di robang bongwe. Go sa le foo, Mme Matshameko o ne a tlatsa ka gore seemo sa tsela eo ke sone se dirang gore bagwebi ba dipagamo tsa setshaba ba tlhoke go tsamaela mo motseng wa bone. A re mo nakong eno ba thusiwa ke dikhombi di le pedi fela le bese e le nngwe le ntswa motse wa bone o godile, mme e bile bontsi jwa sebaka ba bona ditlamelo kwa toropong ya Francistown kgotsa Tonota. Ka jalo a tlhalosa fa go bona sepalamo go ya toropong go ba tsaya sebaka sa dioura di ka nna nne ba ntse ba letile le gone go boa tota go ba sokodisa. Fa a akgela mongwe wa bagwebi ba dipagamo tsa setshaba tse di direlang mo tseleng eo, Rre Wazha Masima o tlhalositse fa tsela eo e ba kokonela thata mo dipalamong tsa bone. A re dipagamo tseo di senyegetse ruri ka ntate ya seemo sa tsela eo, a tlatsa ka gore go senyega moo ga dipalamo go setse go ba kgoba marapo mo kgwebong ya bone. “Re setse re sa itse le se re se dirang ka ntata ya go senyega ga dipagamo tsa rona. Re nna re baakayeditse ruri fela ka madi a mantsi, ”a bua jalo a supa fa dipata tsa bone di setse di tlhotlhoregile. Rre Masima o tlhalositse fa go tsaya lebaka gore tsela eo e gopiwe go thusa go fema dikhuti. E rile a tsibogela matshwenyego a banni bao, mogolwane wa tsa boitseanape mo lephateng la ditsela la kgaolo ya Bokone Botlhaba Rre Wilson Phale, a supa fa ba itse ka seemo sa tsela eo. O tlhalositse fa e se gore ba itlhokomolositse seemo sa yone ka jaana sebe sa phiri e le gore gompieno puso e sa ntse e tshwaragane le namane e tona ya letlhoko la madi go ka kgotsofatsa dikeletso tsa Batswana. Fela mme o ne a tlhalosa fa mo maitekong a bone go ka araba dilelo tsa banni ba tsere tshwetso gore tsela eo e tshelwe karabole mo ngwageng o o tlang wa go abiwa ga madi a setshaba. O tlhalositse fa sengwe le sengwe se dirilwe go emetswe madi fela gore tiro e simololwe. BOPA economy_business_and_finance 3 Mapodisi a tlhotlhomisa leso Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mosadi wa dingwaga tse di masome mabedi le boraro wa kwa Makuta mo kgaolong potlana ya Tutume a fitlhetsweng mo bodibeng jwa madi ka dintho tse di masisi. Mogolwane wa mapodisi a Tutume, Superintendent Jerry Halahala, a re tiragalo eo e diragetse kwa Sebina ka Laboraro ka nako ya lesome le bobedi motshegare kwa go neng go hirisitse mme yoo teng. Supt Halahala a re ba ne ba fitlhela mosadi yoo a rapaletse ka dintho tse di masisi mme ba mo ragosetsa kwa kokelong ya Tutume kwa go ileng ga tlhomamisiwa fa a tlhokafetse. O tsweletse a tlhalosa fa ba tshegeditse rre wa dingwaga tse di masome mabedi le boraro mabapi le tiragalo eo. A re ba belaela gore bobedi joo bo ka tswa e ne ele baratani. Setopo se kwa setsidifatsing sa kokelo ya Tutume go tlhatlhojwa ke ba bongaka fa mmelaelwa a santse a tshegeditswe. Supt Halahala a re o tshwentswe ke dikgang tsa dipolaano tsa baratani tse di diragalang mo kgaolong ya gagwe ya sepodisi, a supa fa e le tiragalo ya boraro morago ga dikgwedi tse tharo. O ile a kopa batsadi go tsibogela dikgang tse ba di begelwang ke bana ba bone tsa go tlhoka kutlwisano. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Ba rotloediwa go somarela ngwao Banni ba Struizendam kwa Kgalagadi ba rotloeditswe go somarela ngwao ka go e fetisetsa kwa baneng ba bone ka seo se ka thusa mo go e tsosoloseng le go e somarela gore e seka ya nyelela. Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela ngwao kwa motseng oo bosheng, mothusa mokwaledi mo lephateng la makgotla a Setswana mo kgaolong ya Kgalagadi, Mme Regina Mosweu o tlhalositse fa bodiragatsi bo na le seabe se se botlhokwa mo ngwaong. Mme Mosweu a re ditso tsa Botswana di supiwa mo dilong di tshwana le moopelo gammogo le mmino ka jalo go botlhokwa go tsaya karolo mo go tsone ka e le tsela nngwe ya go somarela ngwao. Mme Mosweu o gakolotse morafe fa lephata la banana, metshameko le ngwao le ikemiseditse go tlotlomatsa le go somarela ngwao e bile gape le itlamile go ba thusa ka bogakolodi, thotloetso le dithuso tsotlhe tse ba di tlhokang ka jalo a ba kopa go le dirisa. O tsweletse a tlhalosa fa lephata le, le ne la rulaganya puisano le batsaya karolo le morafe ka maikaelelo a go batla go itse kwa mmino wa Polka o tlholegang teng mo lefatsheng la Botswana. Fa a tlhalosa maikaelelo magolo a letsatsi leo, mooki wa motseng oo, Mme Boitumelo Monnahela o tlhalositse fa moletlo oo e le go lemotsha morafe bogolo jang banana botlhokwa jwa ngwao le gore e ka somarelwa jang gore e seka ya nyelela. O tsweletse a tlhalosetsa batsena moletlo oo ka malwetse a sukiri le madi a matona a a boletseng fa a sa siamela mebele ya bone. O kaile fa dijo tsa setso di akaretsa merogo, mmidi le dinawa di siametse botsogo jwa bone ka di sena mafura a mantsi. Mme Monnahela o boletse fa bontsi jwa banni ba motse oo ba tshwenngwa ke bolwetse jwa madi a matona le sukiri mme a ba kopa go a ithatlhobela kgapetsa kgapetsa le go itshidila mebele. Fa a amogela baeng mo letsatsing leo, kgosi Rre Isaac Titus o tlhalositse fa letsatsi leo le le botlhokwa ka e le tsela nngwe ya gore masika a itsane botoka. Kgosi o kaile fa mo ngwaong ya bone ya sekhalate ba ne ba tlotlile thata go bina mmino wa Polka ka nako tsa manyalo le fa ba itisitse ba itlosa bodutu, a kaya fa mo nakong eno merafe ka go farologana ba meletsa mathe mmino o e bile ba kgatlhegela le gone go o ithuta. Kgosi o supile gore mo ngwaong ya bone ba tlotlile borotho thata ka ba ne ba lema korong e bile ba rata nama ya podi, ya kgomo le ya nku ka ba di ruile thata le mo nakong ya gompieno. Mo mafokong a gagwe a malebo, mokhanselara wa motse oo, Rre Fredrick Titus o supile fa e ne e le la ntlha ba tshegetsa letsatsi la ngwao mme a kaya fa ba tla tswelela ba le tshwara ngwaga le ngwaga mo metseng ya BORAVAST e le tsela nngwe ya go tlotlomatsa le go tsosolosa ngwao ya bone gore e seka ya nyelela. O lebogile fela thata botlhe ba ba nnileng le seabe mo go di reng gore letsatsi leo le atlege. Bokhutlo. arts_culture_entertainment_and_media 0 Kgosi Mosadi o rotloetsa thitibalo Kgosi Mosadi wa Baleteo boletse fa morafe o tlhoka thitibalo e e neng e rena mo kgaolong ya Gamalete fa mophato wa Madisamotse o ile go rupa ka Phatwe. Fa amogela baeng kwa phuthegong e e neng e biditswe ke ba khansele ya Borwa Botlhaba go ba lekodisa ka tse ba di dirileng le tse ba akanyang go di dira, Kgosi Mosadi o boletse fa ba sa robadiwe ke dikereke tse di dirang modumo o montsi ka jalo di kgoreletsa baagisanyi ba bone. O boletse fa a se kgatlhanong le gore dikereke di rapele mme a supa fa dingwe di lala di dira modumo bosigo jotlhe di sa rekegele baagisani ba bone. Modulasetilo wa khansele ya Borwa Botlhaba, Rre Tshekiso Sorinyane o supile fa ba okeditse ditlhwatlhwa tsa go epa mabitla a bagolo go tswa kwa go P25 go ya kwa go P100, fa a bana a tswa kwa go P15 go ya kwa go P50. A re go olela matlakala a malwapa go okeditswe go tswa kwa P5 go ya kwa go P10 mme fa batho ba ba hirisitseng ba le bantsi mo malwapeng ba tshwanelwa ke go ntsha P10 mongwe le mongwe. A re katlholo ya medumo e e diragalang mo dibareng, dipoto le dikereke e okeditswe go tswa kwa go P100 le P200 go ya kwa go P500 go fitlha ka P2 000. Modulasetilo o tsweletse a tlhalosa fa ba akanya go fetolela lebala la ditshupo go nna maemelo a dibese le mmolo. E rile ba mo kgwa kgaba, Balete ba supa fa ba eletsa gore go agiwe lebala la metshameko mo lebaleng leo gonne ba re ditlhopha tse di mo ga Malete bogolo jang kwa motseng wa Ramotswa, ga di na mabala a metshameko mme seo se dira gore le fa ba tlhatlogetse kwa liking e kgolwane, ba fologe ka bonako ka ba sena kwa ba ikatisetsang teng. Mo go tse dingwe ba supile fa banni ba dikgotla tsa Magope le Disana ba sokola ka ba tlhoka ditlamelo di tshwana le metsi, ditsela le motlakase. Ba tsweletse ba tlhalosa fa batho bangwe ba sa latlhele metseto ya bana kwa dikokelwaneng mme ba itlhophela go e pega mo godimo ga matlwana a boitiketso le go e latlhela mo ditseleng. Ba boletse fa bangwe ba sale ba duelela go tseelwa matlakala a dikago mme le ka motlha o khansele e ise e a olele. Fa a tsibogela matshwenyego a morafe, Rre Sorinyane o supile fa ba ne ba batla go utlwa maikutlo a morafe ka ditlamelo tse di farologaneng tse khansele e di ba neelang mme a supa fa ba tsweletse le go rerisanya le morafe. Bokhutlo religion_and_belief 8 Mogomela o ipelega ka poko Mo nakong ya gompieno e letlhoko la ditiro le ileng magoletsa, banana bangwe ba itshetsa ka ditalente tsa bone. Ke sone se Rre Rebaone Mogomela, a ipelegang ka go boka. O boletse mo potsolosong fa a palame serala lantlha ka ngwaga wa 2001 fa a ne a boka Rre Hebert Kgwarae yo ka nako eo e neng e le mogokgo wa sekolo se se botlana sa Letlhakane. A re o ne a itlhophela go boka Rre Kgwarae, mme morutabana wa gagwe ebong Mme Mosetsana Gaotsenelelwe a mo kwalela leboko. O tlhalositse fa go diragatsa ka bokgabane joo, e ne ya nna yone tshimologo ya go boka ga gagwe, a bolela fa thotloetso e ne ya nna matsorotsoro go tswa mo batsading, baagisanyi le barutabana ba gagwe. Rre Mogomela wa kwa Mosu a re o galaotegile mo meletlong e e farologanyeng e akaretsa letsatsi la mafatshefatshe la Malaria, moletlo wa kaloso ya baithuti ba Botswana Accountancy College (BAC) le mo manyalong. Go boka mo ga ga Rre Mogomela go feletse go mo fa leina la Tobetsa go tswa mo barating ba gagwe. “Ke iponetse leina le ka go nne Tobetsa ke lefoko le ke neng ke le dirisa go kgwa mowa fa gare ga leboko le go fa sebaka yo o a bong a duduetsa,” a tlhalosa jalo. O tsweletse a tlhalosa fa a simologile a kwalelwa maboko ke batho ba ba farologanyeng, mme mo nakong ya gompieno a ikwalela. Rre Mogomela o boletse fa nako tse dingwe a sa kwale, a ya moletlong fela a bo a feta a reetsa dibui ka go farologana mme a dirise se se builweng go boka. A re o ne a emisa go boka a sena go fetsa mophato wa botlhano e le tsela ya go fa dithuto tsa ithutelo tiro tsa diatla nako. Rre yo o ithutetse maranyane a dikhomputara kwa sekolong sa ithutelo ditiro sa BAC, mme o alogile ka ngwaga wa 2014. Monana o, a re o eletsa gore a kwale dibuka tsa maboko, mme o simolotse go kgobokanya maboko a a setseng a a kwadile. O boletse fa a eletsa go ka bona dithuso jaaka go lalediwa meletlo ya puso go ya go diragatsa teng, a re seo se ka mo fa sebaka sa go ipapatsa. “E bile gape ke eletsa go tlhophiwa go ya go diragatsa le kwa ntle ga lefatshe leno e le tsela nngwe ya go rekisa lefatshe la Botswana,” a bolela. Ntle le go boka, Rre Mogomela o direla mo sekolong sa ithutelo tiro sa BAC ele motlhatlhelelela dithuto tsa dikhomputara.. arts_culture_entertainment_and_media 0 Go ikgapela botshelo go a kekela kwa Tsabong Mookamela mapodisi a Tsabong Superintendent Christopher Tlhapi David a re go ikgapela botshelo go a tshwenya kwa kgaolong eo, segolo bogolo mo go borre. Superintendent Tlhapi-David o tlhaloseditse A re go le gantsi borre ke bone ba ba amegang mo dikgannyeng tsa mofuta o, tse di bakwang ke go tlhoka kutlwisisano tsa baratani, bogolo jang banana ba dingwaga tsa masome a mabedi le boraro go ya kwa go tse di masome a mararo le bone. Superintendent Tlhapi-David o supile fa mo gongwe e le dikgotlhang mo go ba ba amegang le masika, selo se a reng se felela se baka dintwa tse di felelang ka go ikgapela botshelo. A re borre fa gongwe ba swa senku ba tlhoke go kopa thuso mo go ba ba lebaneng jaaka dikgosi, baruti, mapodisi, masika le ditsala tsa bone mme motho a felele a tsaya tshwetso e e tsisang kutlobotlhoko mo lwapeng. Superintendent Tlhapi-David o boletse fa dintsho tse di kokonela puso ka go tlhokomela batsadi le bana, segolo bogolo fa yo o tlhokafetseng e ne e le ene motlhokomedi mogolo. O ne a kopa borre go ikgapha le go laola maikutlo ka go kgaogana le motho e se bokhutlo jwa botshelo. Superintendent Tlhapi-David a re mapodisi a simolodisitse letsholo la malatsi a a lesome le borataro kgatlhanong le kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana, ipabalelo tseleng le borukutlhi go simolola Ngwanatsele a le masome a mabedi le botlhano go fitlha Sedimonthole a le lesome. A re kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana e teng kwa kgaolong ya gagwe le dipetelelo tsa bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse gantsi dikgang tsa teng ba di tshwaraganelang le ba boipelego. O kopile borre go tsaya boikarabelo ka go aga, go bopa le go sireletsa bana, ba tshwaragane le bomme. Superintendent Tlhapi-David o kaile fa borre le bone ba kgokgontshiwa ke bomme mme ba tlhoke go ikuela ka ba re boikuelo jwa bone ga bo tsewe tsia le fa seo e se boammaaruri ka mapodisi ba tsaya mongwe le mongwe ka tekatekanyo. crime_law_and_justice 1 Lorato mo kgwebong konokono Go nna le lorato lwa se o se dirang le bopelotelele go na le maduo mo go goleng ga kgwebo. Se se kailwe ke Mme Kefentse Tshwenyane yo e leng ene mong wa Kefentse Leather Works, a itebangantse le go dira ditlhako tsa sekole, diphate tse di alwang kana tse di kgabisang, dikgwama tsa letlalo ga mmogo le kapari ka go farologana ya letlalo. O tlhalositse fa lorato lwa gagwe lwa go roka dilwana lo sale lo simolotse ka 1996, mme e bile ka one ngwaga oo, a nna lesego la go ya dithutong tsa go roka kwa sekoleng sa tiro ya diatla kwa Kanye. Mme Tshwenyane a re ka 2009 o ne a latswiwa ke tlhware gape a isiwa sekoleng ngwaga kwa madirelong a tiro ya diatla a LEA Incubator kwa Gaborone kwa a tlhalositseng fa a ne a ithuta go suga le go roka dilwana tsa matlalo. A re e re ntswa a simolotse a ithuta go roka ka matsela, mo nakong eno lorato lwa gagwe lo sekametse kwa go segeng dilwana tsa letlalo mo e a reng a bona sekgethe sa letlalo a bo a setse a akanya gore o ka le dirisa eng. A re letlalo le pharologanyo le letsela ka letsela lone motho a ka kgona go le latlha fa a sa tlhole a batla go le dirisa mme letlalo lone a ka dirisa sekgethe sengwe le sengwe ka go se bonolo go bona matlalo ka tlhwatlhwa e e kwa tlase. O kaile gape fa go roka letlalo go na le dipoelo tse di nametsang ka selwana se kgona go rekwa ka madi a a bonalang. Mme Tshwenyane a re o rekisetsa dithoto tsa gagwe mo lwapeng mo nakong eno, a tlatsa ka go re theko e bonala thata fa a rekisetsa batho ba mediro jaaka manyalo kgotsa a segela setlhopha sa mmino wa borankana paka. O ne a tlhalosa fa a atle a tsenelele dikgaisanyo tse di rulaganngwang ke ba lefelo la matlotlo a tlholego la Kgosi Sechele I mme a nne le sebaka sa go ithuta ga mmogo le go kopana le bareki. A re dithuto-puisanyo tse di rulaganngwang ke mokgatlho wa Botswana Society for the Arts le tsone di mmutse matlho mo a kgonneng go anywa botsipa jwa gore polokelo ya gagwe ya banka le ya kgwebo di tshwanetse tsa farologana go itsa go itirisetsa madi a kgwebo. Mme Tshwenyane o kaile fa dikgwetlho di tshwana le letlhoko la marekisetso a dilwana tsa gagwe le go nna turu ga didirisiwa tsa kgwebo ya gagwe e le dingwe tse di mo tshwenyang. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Sekole sa Dikgatlhong se a ikgaratlhela Mogokgo wa sekole se se botlana sa Dikgatlhong mo kgaolong-potlana ya Lentsweletau are ba tsweletse ka go iteka ele sekolo le fa ba na le matlhoki a le mantsi. E rile fa a tlhalosa bosheng mo potsolosong, mogokgo wa sekole seo, Mme Keabadile Oaitse a supa fa sekole sa bone se na le dingwaga tse dintsi se sa tlhabololwe le ntswa ba nna ba ikuela kwa go ba khansele go tla go se tokafatsa. O ne a tlhalosa fa bana ba sekole ba dikile ba feditswe ke mariga ka jaana matlwana a bone a borutelo a sena moalo wa marulelo o o fokotsang serame. O ne a tswelela a tlhalosa fa mo sekoleng sa bone ba sena le fa e le khompiutara e le nngwe fela, kgang e a tlhalosang fa e tshwenya thata ka jaana baithuti ba tshwanetse go rutwa go dirisa dikhompiutara ba santse ba le mo dikoleng tse dipotlana. O ne a tlhalosa gore, e re ntswa baithuti ba sekole se ba dira sentle, ba ne ba ka dira go feta fa ditlamelo tsa go nna jalo di ne di le teng. O ne a bua fa ba sena motshine o o ntsifatsang dipampiri, mme a re se e nna kgwetlho e tona fela thata mo sekoleng sa bone ka jaana ba tshwanelwa ke go nna ba kopa kwa dikoleng tse dingwe kgotsa maphata a puso kwa le gone ba kgonang go fitlhela ya bone e sa bereke mme go reye gore baithuti ba kwala ditlhatlhobo nako e ile. O ne a tswelela a re ba na le baithuti ba sekole sa matlhagolela tsela ba le lesome le bone mme bothata e le gore ga ba na didirisiwa tse ba ka di dirisang go tshameka go itshidila mmele. O ne a tlhalosa fa go le botlhokwa thata gore moithuti wa mohuta eo, a itshidile mmele mme e bile a tlwaediwe gore itshidilo mmele ke selo sa botlhokwa. A re ba ne ba ikopanya le batsadi go fana maele a go ka batlela baithuti ba didirisiwa tseo tsa itloso bodutu. O ne a ikopela mo go bo radikompone go ba thusa go tlhabolola sekole sa bone, mme a akgolela baithuti boitshwaro jo bontle jo ba bo supang ka jaana a re ba a laolesega e bile go lemosega fa batsadi ba dira tiro e ntle ya go ba aga. education 4 Mopalamente o lekola Lemone le Masuakoloi Mopalapmente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya, o kopile baithuti ba ba thusitsweng ke puso go ikoketsa dithuto gore ba tle ba kgone go duela madi a ba thusitsweng ka o ne. Rre Gora, yo o neng a buisa diphuthego tsa kgotla kwa masimong a Lemone le Masuakoloi bosheng, a re go dira jalo go tlaa thusa puso go duelela ba bangwe dithuto. Rre Goya o tlhaloseditse ba Masuakoloi gore fa go tlhokegang teng gore puso e dire ditlhabololo, e ka amoga yo o neng a abetswe lefatshe go le dirisetsa ditlhabololo tse di tlaa solegelang Batswana botlhe molemo. O ne gape a itsise banni ka melao e lesome le bosupa e palamente e e fetisitsweng kwa bokopanong jo bo sa tswang go wela, a tlhalosa fa go tlaa tlhongwa khansele e e tlaa tlhokomelang khiro ya barutabana go bona gore ditsamaiso tsotlhe tsa phiro le dituelo di dirwa ka fa tshwanelong le go tlhomamisa gore ba ba hirelwang go ruta ke ba ba nang le bokgoni le dithutego tsa go dira jalo. Mokhanselara wa kgaolo, Rre Omphemetse Kgotlaetsile o rotloeditse morafe go ithaopela go rema tsela ya masimo a bone ka e sa tsamaege. A re magatwe a gore puso e ikaelela go emisa lenaneo la Ipelegeng, dituelo tsa bagodi le dikgaisano tsa metshameko ya kgwele ya dinao tsa dikgaolo ga se boammaaruri fa e se go senya puso leina fela. education 4 Dietsele di supa maiteko - Segotsi Baithuti ba le masome a supa le borataro gammogo le barutabana le babereki ba lephata la thuto ba le masome mabedi le borataro ba kgaolo-potlana ya Mahalapye ba abetswe dietsele go bo ba dirile sentle mo ngwageng wa 2016/17. Kgaolo-potlana ya Mahalapye e e bopilwe ka dikgaolo di le nne tsa Shoshong, Sefhare/Ramokgonami, Mahalapye Botlhaba le Mahalapye Bophirima, mme e na le dikole tse dipotlana di le masome matlhano le bobedi, tse di fa gare di le lesome le botlhano le tse dikgolwane di le pedi. E rile a bua kwa moletlong oo bosheng, Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye a re kabo dietsele ke nngwe tsela ya go supa gore go nnile le mofufutso wa phatla o o tshwanetseng go akgolelwa. A re seo gape se supa fa boeteledipele bo ne bo dira ka natla go tsisa diphetogo le maduo. O tlhalositse gore puso le yone e eme ka diano go kgothatsa gore go ntshiwe maduo mo tirong, bogolo jang mo mohameng wa thuto ka e bile maduo a baithuti ka bontsi a wetse tlase. Kgosi Segotsi o ne a akgola boeteledipele jwa thuto mo kgaolo-potlana ya Mahalapye go bo ba bone go le botlhokwa go akgola tiro e ntle e e dirilweng ke baithuti ga mmogo le barutabana ka go supa fa le bone ba lemoga bomosola jwa go dira ka natla. Fa a tlhalosa maikaelelo a dietsele tseo, mogolwane wa thuto wa kgaolo-potlana ya Mahalapye, Rre Elijah Masedi a tlhalosa fa ba bone go le mosola go ka abela botlhe ba ba dirileng sentle mo ditlhatlhobong tsa 2016/17. Rre Masedi a re fa e sale ka 2015 kgaolo potlana ya Mahalapye e ntse e iteka, a tlhalosa gore ba itebagantse thata le thuto go tswa kwa moding e ka yone e akaretsang dikole tse di potlana le tse dikgolwane. A re e re le ntswa ba na le dikgwetlho tse dintsi mo kgaolong ya bone ba dira ka gotlhe go bona gore ba ntsha maduo e bile ba rotloetsa mowa wa go dira ka natla mme ke ka moo ba dirileng kabo dietsele eo. A re dikgwetlho di akaretse letlhoko la boroko jwa barutabana gammogo le bodiredi, letlhoko la ditsompelo bogolo jang ka kgaolo e le kgolo e bile e na le dikole tse dintsi. O ne a tlhalosa gape gore kgwetlho e nngwe e tona ke letlhoko la dipalamo tse di ba paledisang go isa bana kwa dikgaisanyong tsa metshameko kgotsa tsa thuto. BOPA education 4 Motlhagodi o akgola kereke ya Eloyi Moeteledipele wa lekgotla la dikereke tsa semoya (OIAC), Moruti Phillemon Motlhagodi o akgoletse maloko a kereke ya Eloyi go tshwaragana. Rre Motlhagodi o buile se mo potsolotsong morago ga bokopano jwa kereke jwa ngwaga le ngwaga. O ne a phophotha maloko a Eloyi magetla go bo ese ba dintwa ebile ba sa nyatsane. A re dikereke dingwe dia thubega ntateng ya dikgang tsa go lwela maemo le go nyatsana, mme a re ditiragalo tseo ga di diragale kwa Eloyi selo se areng se a itumedisa. O gakolotse maloko a kereke eo gore motlhami wa yone Archbishop Keiphile Jakoba ga a batle dintwa ebile ga a batle ditirelo tse di duedisiwang ka jaana ele barongwa ba Modimo ebile kereke e thailwe ka semoya. Le fa go ntse jalo a re oa tshwenyega ka jaana bangwe ba tswa mo tseleng ka go duedisa batho. “Ma Eloyi a re ikeleng tlhoko bangwe re tshwara thomo ya rona ka fa go sa tshwanelang ga rena poifo Modimo, re a iteba gona le gore re lebe thomo re ikokobetse. Re tshwanetse ra fetoga ka fa re ntseng re dira dilo ka teng, re dire se Modimo le tsamaiso e se batlang ka jaana go itlhokomolosa molao motheo ke kotsi e tona e ka bakang dintho tse di ntsi mo kerekeng ya lona,” ga bua Rre Motlhagodi. O ne a gatelelela gore le ntswa Eloyi e dira dilo tse dintsi bontle, maloko a yone a tshwanetse go nna popota le go ikanyega. Go ya ka Rre Motlhagodi, dikereke ka bontsi ga di tshware maemo a tsone sentle, mme a re seo Modimo ga a se itumelele. “Re latlhegelwa ke maloko a mantsi, bangwe ba tlogela dikereke tsa rona ba ya go tlhama dikereke tse dingwe ka jaana ba tshaba dintwa tsa letsatsi le letsatsi go sena tsela, re sa tlotlane, leina lentle lea itirelwa ka jalo bokopano bo tshwanetse ja dirisiwa go nosetsanwa,” Rre Motlhagodi o tlhalositse jalo. Moruti Jacoba Sekai wa kereke ya Eloyi, le ene one a supa botlhokwa jwa tomagano ya maloko a dikereke a re go a itumedisa go bo seabe sa bone mo go ageng setshaba se lemosega. Le fa go ntse jalo, Moruti Sekai o ne a supa fa ba santse ba tshwenngwa ke kgang ya letlhoko la lefatshe a re kereke ya Eloyi e a gola ka jalo e tlhoka mafelo a e ka tshologelang mo go one gore e tswelele e rere Efangedi. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Mokukutu ke motswedi wa 
botshelo Batswana bangwe ba inaakantse le segabone ka go iphataphatela go rekisa maungo a Mokukutu. Mme Gaegomotswe Rametsi wamoraka wa Phathane gaufi le Sehithwa, o boleletse lekalana la dikgang la BOPAmo potsolotsong bosheng gore setlhare sa Mokukutu ke losika lwa Mokgomphathaebile se gola fela jaaka sone. Fela a re Mokukutu one o bonwakwa dikgaolong tsa mekwakwa jaaka kwa mantsweng a Kgwebe le kwa Kuke. O boletse fa maungo aMokukutu, a le masetlha ka mmala, a na le dikotla fela jaaka maungo a mangwe. A re morago ga go bapalamaungo a, o fofora makape a teng go baakanyetsa moreki gore a seka a sokola goo ja kgotsa a kgangwa. O tsweletse ka go tlhalosa fa Mokukutu fela jaaka Mogwana,o kgona go jewa ka mashi, mme a re bangwe ba reka Mokukutu go dira dimonamonemo meletlong fa bangwe ba o rekela go itlosa bodutu. Mme Rametsi a re theko yaMokukutu e a nametsa fela thata ebile bana ba gagwe ga ba lale ka tlala. A re ngogola o bapetsedikgetsi tse ditona di le lesome, mme a kgona go reka dipodi tse pedi go thapabatho go mmaakanyetsa tshimo gammogo le go duela balemi. Le fa go ntse jalo, MmeRametsi a re monongwaga o bapetse dikgetsi di le tharo fela ka a ne a diilwe kego roba kwa masimo ka a ne a bonye thobo e e botoka ya marotse le dinawa. A re Mokukutu o ratwa bobe keditlou le ditshwene tse a kaileng fa monongwaga le tsone di nnile sekgoreletsimo papading ya one. economy_business_and_finance 3 Ipelegeng e namola letlhoko la tiro Banni ba Olifant’s Drift kwa kgaolong ya Kgatlenga ba re ba kopa gore dipalo tsa Ipelegeng di okediwe ka jaana e ba namola mo letlhokong la tiro e bile e ba tswela mosola ka ba kgona go itshetsa. E rile modulasetilo wa komiti ya tlhabololo ya motse Rre Tanki Mosimane a bua mo phuthegong ya badirelapuso bosheng a kopa gore dipalo tsa babereki ba Ipelegeng di okediwe ka go supagetse fa batho ba tla ba le bantsi go ikwadisetsa go bereka Ipelegeng. A re banana mo motseng ba tla ka dipalo tse di kwa godimo ka nako ya phiro mme seo ka bo sone se supa fa go na le letlhoko mme koketso ya palo e ka araba kgang e. Le fa go ntse jalo, a re e le ba komiti ya ditlhabololo ba na le dingongorego ka banana ba firwa mo Ipelegeng mme e re morago ba gane go bereka le gone go tsenya baeteledipele dingalo ka nako ya tiro. Mo go tse dingwe, Rre Mosimane o ne a ngongorega ka batsadi ba ba romang bana bojalwa le metsoko ntswa go sa letlelesege go dira jalo e bile e le tlolo molao. A re batsadi ba maoto a tshupa fa go tla mo dithutong tsa bana mme seo se isa maduo a bana kwa tlase ka gore thuto e nna motlhofo fa batsadi ba e tshwaraganela le barutabana. Modulasetilo o ne gape a ngongorega ka balemi ba ba phuaganyang masimo a bone morago ga go lemelwa ke puso a re seo se busetsa maitlamo a puso kwa morago bogolo jang ka go dirisiwa madi a mantsi go lemela batho. Mogolwane wa thuto yo o okametseng kgaolo ya Mochudi Botlhaba Rre Sebaela Ngwako o ne a iteela kobo moroko mo go tsa thuto a supa fa e le boammaaruri ka jaana a kile a tla a tsaya beke a le mo motseng wa bone mme ba ne ba sa bonala kwa sekolong. Rre Ngwako a re ba ne ba bitsa phuthego ya batsadi le barutabana mme ga gona motsadi yo o neng a tla mme a supa fa seo se tshwenya fela thata ka jaana thuto ya bana ke yone konokono mo bokamosong jwa bone. O ne a rotloetsa batsadi go ema ka dinao go tshwaraganela thuto ya bone le barutabana a re seo se tiisa ngwana moko mme gape a kopa batsadi go nna ba tlhatlhoba tiro ya bana ya sekolo go bona gore ba dira jang. Rre Ngwako o ne a kopa batsadi go fa bana nako ya go dira tiro ya sekolo e seng go rongwa majalwa le metsoko le go tlhokomela bomonnaabone ka seo e se tiro ya bone e bile go ba kgoreletsa mo go ntsheng maduo a a nametsang. Mothusa molaodi wa Kgaolo ya Kgatleng Mme Lydia Chere a re maikalelo a diphuthego tsa mothale o ke go ruta setshaba ka ditirelo tse maphata a puso a di fang Batswana le gone go ba ruta ka mananeo le ditsamaiso tsa puso. A re gape diphuthego tse di thusa go araba dilelo dingwe tse Batswana ba nang le tsone mme ba thusiwe ka bonako go na le go ema sebaka gore go nne le phuthego. Mme Chere le ene o ne a tsaya sebaka seo go kopa batsadi go tlhokomela bana ba bone ka e le tshwanelo ya bone go dira jalo. A re ngwana ga a tshwanela go kgorelediwa mo dithutong tsa gagwe ka di le botlhokwa mo bokamosong jwa gagwe. Mothusa molaodi o ne gape a itsise banni ba motse oo fa mo nakong e e sa fediseng pelo ba tla atameletswa ditlamelo go tswa kwa Mochudi go ya kwa Mmathubudukwane ka jaana go tlaa bulwa lefelo la ditlamelo kwa motseng oo. A re seo se tla fokotsa mosepele o moleele o batho ba neng ba o tsaya go ya go kopa dithuso kwa Mochudi. Bokhutlo politics 7 Mananeo a puso a ka fedisa letlhoko la dijo Batho ba Mbalambi mo kgaolong ya bokone botlhaba ba rotloeditswe go ema ka dinao go lwantsha tlala mo malwapeng a bone. E rile mothusa mokwaledi kwa lephateng la temo-thuo, Mme Oemetse Nkoane a bua kwa letsatsing la go isa ditirelo kwa bathong kwa motseng oo bosheng, a ikuela mo morafeng go dirisa mananeo a puso a a farologaneng go fedisa letlhoko la dijo mo malwapeng. Mme Nkoane o ne a supa matshwenyego a go re go santse go na le malapa mangwe a a tshelelang mo tlaleng le ntswa puso e dira go le go ntsi go fetola seemo se. A re lephata la temo-thuo le dira go le go ntsi go tlhomamisa go re Batswana ba na le dijo tse di lekaneng, mme a gatelela botlhokwa jwa go re batho ka bongwe jwa bone ba ikitee ka thupana go rotloetsa maiteko a puso. Ka jalo, Mme Nkoane o ne a ikuela mo bathong ba motse oo go amogela le go dirisa ka botlalo mananeo a a farologanyeng a lephata la temo-thuo a akaretsa la ISPAAD le la LIMID. O ne a gwetlha batsena tiro ya letsatsi leo go sekegela tsebe dikgakololo tsa ba lephata la gagwe, a re go dira jalo go ka ba thusa go ntsha dijo tse di ntsi tsa boleng. Mme Nkoane o ne a gwetlha banana go inaakanya le temo-thuo, a bolela fa go ntshetsa lefatshe leno dijo go le mo maruding a bone mme ba tshwanelwa ke go simolola go dira jalo ntle le tiego epe. Mme Nkoane o ne gape a kgothatsa badirela puso go dirisa mananeo a a maleba a lephata la temo-thuo a tshwana le la ISPAAD ka a diretswe Motswana mongwe le mongwe. A re go dira jalo, e tlaa nna thotloetso mo setshabeng ka kakaretso go re mananeo a ka boammaaruri a a dira mme e bile a na le mosola. E ne e rile pele a amogela baeng, mongwe wa magosana a Mbalambi, Rre Scotch Makhulumo a supa fa motse wa gaabo o saletse morago mo go akoleng mananeo a puso ka go farologana. O ne gape a supa matshwenyego ka go sa thusiweng sentle ga morafe fa ba ile go kopa dithuso kwa diofising, a re seemo se se kgoba bangwe marapo mme ba felele ba sa kgona go tokafatsa matshelo a bone. Le fa go ntse jalo, Kgosana Makhumalo o ne a akgolela ba temo-thuo thulaganyo ya bone ya go isa lephata kwa bathong, a supa tsholofelo ya go re e tlaa nna Tshimologo ya go bona batho ba motse wa Mbalambi ba amogela ditirelo tsa lephata leo ka botlalo. BOKHUTLO society 9 ‘Ipelafatseng ka mananeo a puso’ Mong wa madirelo a Urban Media, Rre Daniel Ntlole o kgothaditse banana go inaakanya le mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone ka malatsi a go se bonolo go bona tiro le fa motho a rutegile. Mogwebi yoo, yo o dingwaga di masome a mabedi le boraro, o tlhaloseditse BOPA fa a inaakantse le kgwebo ya go kapa ditshwantsho tsa motshikinyego, go rulaganya le go dira ipapatso ya mekete. A re o sale a nnile le lorato mo kgwebong ya mofuta o a sale mmontlana mme se sa mo gwetlha go simolodisa kgwebo e morago ga go ithuta ka tsa kgaso ya seromamowa le ditshwantsho tsa motshikinyego kwa unibesithing ya Limkonkwing. Rre Ntlole a re kgwebo ya gagwe e simolotse Tlhakole ka 2015 ka thuso ya madi go tsweng kwa Lephateng la Banana Metshameko le Ngwao. A re mo bogompienong o bereka a le esi mme keletso ke go thapa banana ba bangwe fa kgwebo e ntse e tsweletse e gola. Rre Ntlole, o tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e dira sentle, sebe sa phiri e le gore ditiro di tla ka go rotha mme se, se sa tsenye madi tsatsi le letsatsi jaaka bontsi bo solofela gore kgwebo e dire. O supile gore manyalo le dintsho ke tsone tse a tsayang ditshwantsho thata kwa go tsone fa go rulaganya meletlo a go dira go dira ka sewelo. A re kgwetlho ya gagwe e tona ke letlhoko la lefelo, ka jaana a santse a direla kwa lwapeng, selo se a reng se kgoreletsa go bona barotloetsi. Rre Ntlole a re go tlhoka thotloetso e tseneletseng le go ne ke kgwetlho, a supa fa bontsi bo dumela mo dikgwebong tse ditona tse di setseng di itsege. Le fa puso e thusa ka madi, Rre Ntlole a re thotloetso ya maphata a puso e ko tlase ka baa fa dikgwebo tse ditona ditiro. A re se se dire gore ba nne o kare ga ba phadisanyele ditiro mme bone e le bagwebi ba ba potlana ba sale ba itshopere fela go sena se ba ka se dirang. O tlhalositse fa madi a a neng a thusitswe ka o ne a sa lekana go reka di dirisiwa tsotlhe tse a ditlhokang, mme se, se mo paledisa ditiro dingwe. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Borre bo boela kwa marakanelong Borre ba kopilwe go boela kwa marakanelong a ditsela, go itshekatsheka mo go tsotlhe tse ba supiwang ka monwana mo go tsone jaaka borukutlhi, thubetso, dintwa, polao le bogodu. E rile a bua kwa bokopanong jwa borre kwa Palapye, ramapodisi wa koo Assistant Commissioner Seabe Maboka a supa fa sepodisi se tshwenyegila ka boitshwaro jwa borre fa go tla mo go tsa kgokgontsho. O ne a supa fa setlhogo se se reng; Borre kwa Marakanelong a Ditsela se le maleba ka se laletsa rre mongwe le mongwe go itshekatsheka le go itsaya ka motlhala ka tsotlhe tse a di dirileng le tse a di dirang mme di sa siama. Bokopano jo, bo rulagantswe ke ba lekgotla la ditsheko tsa lefatshe mme bo thologetswe ke makalana otlhe a Lephata la Tlhokomelo Lefatshe, Metsi le Ditirelo tsa Kgopho Leswe go tswa Maun, Gaborone, Francistown le Palapye. A re ke nako ya gore borre ba ikage sesha. Rre Maboka a re kgokgontsho ya bomme le bana ga e jese diwelang, mme e dirwa ke borre ba ba intshitseng diphologolo e le batho. A re dipalo di supa fa bomme le bana ba tshelela mo kgokgontshng, segolo bogolo ngwana wa mosetsana. O kopile borre go boela mo sethong sa go lemoga gore borre le bomme ke batsadi ba bana ba ba fe tlhokomelo e e tshwanetseng. A re go tlotla mme le go mo neela seriti se se mo tshwanetseng, lerato le tlhokomelo, go ka aga setshaba se se nang le maitseo le boikarabelo go fitlhelela kwa dikokomaneng. Rre Maboka o ne a ikuela mo go borre mabapi le dikgang tsa go thubetsa bana ba bannye, a tlatsa ka go re ngwao e seka ya dirisiwa e le seipato go dira dilo tse di duleng mo tseleng. A re fa rre mongwe le mongwe a ka tsaya boikarabelo jwa go godisa ngwana sentle, go ka aga setshaba. O tlhalosa fa ba sepodisi ba dira ka gotlhe go sireletsa bomme le bana mo dilalomeng, a re ba simolola fela ka go neela bomme ba sepodisi tlotlo le seriti se se ba tshwanetseng. A re go dirilwe ntlo ya sephiri kwa go botsolotswang bomme teng, gore ba bue ba phuthologile ka dikgang tse di amang thubetso. O ne tlhalosa fa go ya go disa poo dingwaga tse di lesome e se matshamekwane, mme go tlhokafala gore borre ba itshware sentle. crime_law_and_justice 1 Miss Ramotswa hosts aerobathon Miss Ramotswa Project will this Saturday April 8 host a mini aerobathon to raise funds for the needy. The mini-aerobathon proceeds would be used to aide Re bona Fa Caring Centre and Ditlhong Family whose house burnt to ashes recently. Miss Ramotswa project coordinator, Olerato Thobega in an interview said apart from raising funds, the project was aimed at celebrating Ramotswa beauty and raising awareness on fitness. “Fitness is the most important aspect of life, that is why individuals should make it a lifestyle and also the reason for choosing it to raise funds,” said Thobega. She said the same project was held last year adding that they started working with Re bona Fa Caring Centre last year where they donated food hampers among others. Ditlhong family, she said would be provided with more than food hampers but pointed out that this would depend on the money collected. She said Miss Ramotswa Project did not have its own money but relied on raising funds to assist and using their talents and skills to reach out to the underprivileged. Thobega, a first year Social Work student at the University of Botswana noted that the mini-aerobathon was part of the assignment Miss Ramotswa pageant participants and organisers were tasked with. The pageant was held December last year and won by Mosa Baletsamang. Activities for the mini-aerobathon would include a five kilometre fun run, aerobics, boot camp circuit and health talk. The mini-aerobathon would be conducted by Super Fit Gym, Toronto Fitness Centre and Mmasechaba aerobics and would be held at Emmanuel Counselling Centre starting from 8am until afternoon. ENDS health 6 Kgosi o itumelela ditlhabololo kwa Metsibotlhoko Lenaneo la puso la go rudisa itsholelo le ntshitse maduo, mme e bile bogogi jwa metse bo a le itumelela. Kwa Metsibotlhoko kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, kgosi ya motse oo, Kgosi Bafentse Moatsheng o tlhalositse fa mo sekolong sa motse go agiwa matlwana a borutelo a motlaleletsa, mme e bile kago eo e se kgakala le go fela. A re se se tlaa fokotsa letlhoko la matlo a borutelo le le ntseng le le teng, mme e bile go tlaa kgontsha sekolo seo go nna le mophato wa bana ba ba baakanyediwang go bala lekwalo la bongwe. A re se gape se tla emisa go rutelwa ka fa tlase ga ditlhare ga bana. Mo godimo ga moo, Kgosi Moatsheng o tlhalositse fa gape go agiwa matlo a mabedi a borobalo a barutabana, mme ba solofetse gape a baoki a le mabedi. Kgosi Moatsheng o tlhalositse gape gore motlakase o setse o goketswe mo motseng, mme go supiwa fa o tlaa tshuba ngwaga o o tlang. O tlhalositse fa mananeo a mangwe a puso jaaka LIMID le nyeletso lehuma a tokafaditse matshelo a banni fela thata go balelwa le banana. A re banana ba le bararo ba setse ba isitswe ke puso go ya go rutuntshiwa ka thuo ya dihutshane ka fa tlase ga lenaneo le le thusang banana ka madi go itshimololela dikgwebo. Le fa go ntse jalo, Kgosi Moatsheng o ne a ngongorega ka tlhaelo ya ditlamelo mo kgotleng ya gagwe di tshwana le metsi, badiri ba sepodisi le mokwaledi, bogolo jang ka kgotla e dira ditiro di le dintsi jaaka ditsheko le go kwadisa leruo fa le rekisiwa ka e bile motse oo o dikologilwe ke barui ba le bantsi. A re ka tsa borukutlhi ba thusiwe ke mapodisi a Sesung, mme le gone go se bonolo ka ba kgona go tlhoka koloi. Kgosi Moatsheng a re o kile a ikuela kwa lephateng la makgotla a Setswana ka letlhoko le la bone le tlhaelo ya bodiredi mme ga a ise ba bone thuso epe. education 4 Batlokwa ba farologana ka megopolo Batlokwa ba farologana ka megopolo ka molao kakanyetso wa matimela o ba neng ba o bewa pele ke Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Frans Van Der Westhuizen. E rile ba akgela mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ka Laboraro kwa Tlokweng, banni ka go farologana ba supa fa gongwe nako e tsile ya gore matimela a hudusediwe kwa lephateng la temo-thuo ka e le bone ba ba nang le botsipa jwa leruo le tlhokomelo ya lone. E re le ntswa bangwe ba ne ba supa fa ba amogela molao kakanyetso oo le diphetogo tsa one, ba ne ba nna sebete se molangwana ka leruo le go tweng ke matimela ka jaana le na le tshipi e bile mong wa lone o ka bonwa. Rre Segodi Popo a re lephata la temo thuo ke lone le ka kgonang kgang e ya matimela ka ba na le maina otlhe a barui ba dikgomo e bile go ka nna bofefo go itshwaraganya le bone fa leruo la bone le timetse. Rre Phuthegong Matsetse e ne a re go hudusiwa ga matimela go a isa kwa lephateng le le ngwe go tshwana fela ka jaana e le maphata a puso otlhe mme a re se se teng ke gore go tokafadiwe ka fa tsamaiso ya matimela e ntseng ka teng. A re ka jalo o amogela diphetogo tse di tlang ka molao oo le phokotso ya malatsi a go baya matimela mo masakeng a dikhansele. E rile a iteela kobo moroko Rre Mooketsi Ramatlapeng a re le ene o dumelana le molao kakanyetso oo e bile a supa fa diphetogo tse di tlang ka molao oo a di amogela. E rile gole pele fa Mothusa tona Rre Van Der Westhuizen a ba baya molao a supa fa molao kakanyetso o fokoditse malatsi a go bega matimela go tswa ko malatsing a masome a mararo (30) go ya ko go alesome le bone (14). A re gape morago ga malatsi a le matlhano motlhokomedi wa matimela o tshwanetse a a baya tshipi jaaka go laotswe. Rre Van Der Westhuizen a re phetogo e nngwe gape ke gore ga gona leruo lepe le le tla tlang go tsewa morago ga nako ya 1630hrs ka letsatsi la thekiso ya matimela ao mo letsatsing le le beilweng. A re pele gone go tsaya dikgwedi tse thataro pele ga mong wa kgomo a ka tla go e tsaya mo lesakeng la matimela. E re dikgang di eme jalo, mothusa tona o ne a kgotlhatsa a ba a rotloetsa barui go tsaya boikarabelo jwa leruo la bone. Rre Van Der Westhuizen a re go disa le go tlhokomelo leruo go mo magetleng a bone. E rile gole pele Kgosi Kgolo ya Batlokwa Kgosi Puso Gaborone a amogela mothusa tona le morafe a supa fa a tshwenyegile ka terata ya molelwane wa Tlokweng le Gaborone e e oleng mme e bile e tlhokana le go baakanngwa. A re go wa ga yone go letlelela dikgomo go tlolela ko Gaborone mme se baka mathata ka go sa tshwanela go nna jalo. Kgosi Puso o supile gape gore tsela e e dirilweng le yone ga e na dikganedi tsa dikgomo mme ke ka moo di tlolelang ko Gaborone a re ka jalo o kopa gore ba thusiwa mo dikgannye tseo. O ne gape a supa fa terata ya molelwane wa lefatshe la Botswana le Aferika Borwa le yone e senyegile mme tlhokana le go baakanngwa ka dikgomo tsa bone di tlolelwa teng mme bangwe bone ba bone phatlha ya go di utswa.BOKHUTLO society 9 Temo seikokotlelo sa Motswana Mothusa kgosi kwa Paje mo kgaolong ya legare, Rre Nagano Martin, o gwetlhile balemi ba lefatshe leno go tsaya temo tsia ka go tlhokomela masimo a bone fela go tloga mo nakong eno ya temo go fitlha ka nako ya thobo go ntsha maduo a a nametsang. O buile jalo mo potsolotsong bosheng. O ne a tlhalosa fa temo e tshwana fela le ngwana yo a tlhokang tlhokomelo e e rileng go tswa fela kwa bonyenyaneng. A re temo ke seikokotelo sa Motswana mongwe le mongwe ka jalo a tlhalosa fa e ka tsewa ka tlhoafalo e ka tsisa pharologanyo e tona mo go tokafatseng matshelo a Batswana. Kgosi o tlhalositse fa Motswana mongwe le mongwe a ka ema ka dinao mo temong go dira dijo go ka fokoletsa puso ya lefatshe leno go ikaega ka yone mme seo se dire gore go nne le ditlhabololo ka jaana madi a a ka bong a dirisiwa go tlamela batho a tla dira ditiro tse dingwe tsa puso. “Nako e gorogile ya gore Batswana ba intshe mo moweng wa go ikaega fela mo pusong mme ba dirise mananeo a puso e a beileng pele jaaka la ISPAAD go fetola matshelo a bone” a bua jalo Kgosi a tlatsa ka gore temo mo malatsing a e ka dirisiwa ele kgwebo go na le pele mo go neng go lemelwa go ja fela. Kgosi Martin o kgadile bobe a sa kgwe mathe bangwe balemi ba ba nang le gore fa ba sena go lema ba bo ba phuaganya masimo a bone a fetoga phulo ya leruo sebe sa phiri e ne e le go lemela madi a puso fela. A re selo seo ke tshenyetso sechaba ka jaana puso e a bo e dirisitse diketekete tsa dipula go ba tlamela ka tsotlhe tsa temo tse di tlhokegang mme go bo go ngomola pelo go bona temo ya bone e sa ba solegele molemo e le mo go dirilweng ka bomo. O bile a kgothatsa beng ba leruo go le tlhokomela ka go le tlhatlhela nako le nako go le itsa go gobeya mo masimong a batho. Go ntse go le foo, Kgosi o ne a supa fa balemi ba motse wa gagwe mono ngwaga ba tshologetse temo ka dipalo tse di nametsang mme fela a supa fa ba lebanwe ke kgwetlo e tona ya letlhoko la diterekere ga mmogo le di dirisiwa tsa temo ya sesha. A re selo se ka bo sone se ka nna le seabe mo go bakeng gore temo e nne boutsana monongwaga mme go fokotse thobo. society 9 Tshwaragano e botlhokwa mo tsamaisong ya ditlhopho Molaodi wa kgaolo potlana ya Boteti, Rre Loeto Porati o kopile diphathi tsa sepolotiki go roma baemedi ba ba nang le boikarabelo go tshwaraganela tsamaiso ya ditlhopho le lekgotla le le ikemetseng la IEC. Rre Porati a re go botlhokwa thata gore baemedi ba diphathi, e nne batho ba ba nang le botho e bile ba itse tsamaiso gore ba kgone go thusana le lekgotla le le tsamaisang ditlhopho gore tiro e e dirwang e wele ka thitibalo. A re ope yo o fiwang boikarabelo jwa go emela phathi ya gagwe mo tsamaisong ya ditlhopho a ithute tirisanyo mmogo le go sala molao morago. Rre Porati a re ka nako ya ditlhopho, bontsi jwa batho ba kukega maikutlo ka gore mongwe le mongwe o eletsa go fenya ka jalo ba ba romilweng ba tshwanetse ba dira ka natla go tila dingongorego tse di ka gogomosang batho maikutlo le go tsosa tlhakatlhakano. Rre Porati o ne a bua ka Labotlhano kwa Letlhakane kwa phuthegong ya diphathi tsa sepolotiki le ba lekgotla le le tsamaisang ditlhopho la IEC. Lekgotla la IEC le baakanyetsa ditlhopho tsa poelelo tsa kgaolwana ya bokhanselara ya Orapa tse di solofetsweng go tshwarwa kgwedi ya Lwetse e le lesome le bone. Ditlhopho di tla jaana morago ga go ithola marapo ga mokhanselara Chilume Balopi wa phathi ya BNF ka kgwedi ya Seetebosigo. O kopile diphathi tsa sepolotiki go dira dilo di setse morago tsamaiso, a gatelela gore tshwaragano ya mapolotiki le badirelapuso ba ba romilweng ke IEC e le botlhokwa fela thata. A re ba dire gore tsamaiso e e phepa e bonelwe kwa Boteti ka go sala tsamaiso morago gore ba ba fenngwang e bo e se ka go sa sala tsamaiso morago. O tlhalositse gore lekgotla la IEC le rutuntsha ba ba ikaelelang go emela ditlhopho le maloko a diphathi gore ba itse tsamaiso go hema tsietso le sepe fela se se duleng mo tseleng gore tshwetso ya tlhopho e tsewe go lebeletswe dipalo tsa batho ba ba tlhophilweng e seng sepe gape. Rre Porati a re o ne a seka a itumedisiwa ke mapolotiki bangwe ba ba neng ba batla go tlola tsamaiso ka nako ya ditlhopho tsa poelelo tsa kgaolwana ya bokhanselara ya Mokobaxane. O kopile diphathi go gakologelwa gore molao wa ditlhopho o letla fela ba ba romilweng go tsamaisa ditlhopho le ba ba tlhophilweng ke ba ba iteisanyang borathana go tsena kwa lefelong le go balelwang teng e seng ope gape. Rre Porati a re ba ba romilweng ke diphathi ba itse tiro ya bone le gore ba thuse go itsa seemo go tswa mo tseleng. “Ke beile mo go lona go thusa gore go rene thitibalo ka letsatsi la ditlhopho, re thuseng go kgalema e seng gore go kgalengwe lona.” Fa a lebagana le ba ba eletsang go emela ditlhopho tsa bokhanselara tsa poelelo tsa kgaolwana ya Orapa, mogolwane wa lekgotla la IEC, Rre Dintle Rapoo o ne a ba tlhalosetsa fa go le botlhokwa gore ba itse molao o o tsamaisang ditlhopho gore ba kgone go fitlhelela toro ya bone ya go emela setshaba sa Orapa. A re go botlhokwa gore ba ba emetseng diphathi ba itsise motsamaisi wa ditlhopho fa go na le sengwe se ba bonang se dule mo tseleng. A re tsamaisong ya ditlhopho e direlwa mo seding e bile e gololesegile ka jalo a kopa diphathi go roma baemedi ba ba nang le boikarabelo go thusana le ba IEC go tsamaisa ditlhopho ba setse molao morago. BOKHUTLO politics 7 Lefatshe la kgwebo le sa le teng kwa gavMmangwato Modulasetilo wa lekgotla la ga Mmangwato la kabo ditsha Rre David Modisagape a re ba santse ba na le lefatshe la kgwebo, le ba eletsang go le abela boradikgwebo ba batlhwafaletseng go le dirisa ka botswapelo le gone gotla ka dikgwebo tse di ka thusang puso go tlhamela Batswana ditiro. Rre Modisagape o buile mafoko a mo phuthegong ya bobega dikgang e e neng e rulagantswe ke ba lekgotla la kabo ditsha la ga Mmangwato gotla go lemotsha bobega dikgang jwa lefatshe leno kavtse ba lekgotla leo ba divdirang mo kabong ya lefatshe. Rre Modisagape one are mo Palapye mo tseleng e e yang Francistown go ya kwa bokone ja lefatshe leno ditsha tse di mo molemeng gobapa le madirelo a digalase le a ditshipi, ke ditsha fela tse ba di beetseng dikgwebo tse ditona, mme a kopa babeletsi gatla go ikopela lefatshe. One a tlhalosa fa 70 per cent ya lefatshe ele lefatshe la morafe le le motlhokomelong ya makgotla a kabo ditsha a lefatshe leno, are tsamaiso ya lefatshe leno e dirwa ka kelotlhoko e e tseneletseng goitsa dikgang le dintwa tse dika tlhagogang jaaka re bona mo mafatshing a mangwe lefatshe le lwalwa. Are lefatshe ke karolo e ebotlhokwa e e thlokang go dirwa ka kelelelo le kelotlhoko gotila dikgang tse dikanna teng tsa lefatshe.one a kopa babega dikgang go itebaganya le dikgang tsa lefatshe le go kwala that aka tsone go itsesi setshaba kafa lefatahe le tsamaisiwang ka teng are seo seka ba fokoletsa dikgang tsa go kgalelwa ruri. Are faba ka dira jalo baka bathusa ba kabo ditsha go ruta setshaba gore setlhaloganye sentle se lekgotla la kabo ditsha le sedirang le gone gore le bereka jang. Ene yare morago babega dikgang ba batla goitse gore bone boradikgwebo baitsisiwe jang ka lefatshe leo gore batle go leikopela, le gone gore mo dipelaelong tsa bone tsa thekiso ya lefatshe badira gole kae mo ditlhotlhomisong tsa bone go bone gore bodiredi ja bone ga bo amege mo dikganyeng tseo. Gotswa kwa pampering ya Mmegi le ba Duma FM bane ba batla goitse ditsha tse gobuiwang ka tsone fa gotla mo thekisong ya lefatshe ke batho ba bale rekisang ka boferefere, Bobega dikgang bone ja tswa ka mogopolo wa gore a golalediwe bangwebi gotla go itsisiwe le go bona lefathe leo, gongwe ba katswa ka maano a kafa leka diriwang ka teng bare mme golhoka gore lebo le na le ditlamelo kana go kanna motlhofo go diisa koo jaaka metsi le motlakase. Erie a akgela mo dipotsong tseo le mo dikakgelong, Rre Modisagape a supa fa ele ruri basa dire golekane go bapatsa lefatshe leo la kgwebo, mme a supa fa bontsi ja ditsha tse direkisiwang ele tsa dipolase le tse ditsereng lobaka disa tlhabololwa. Oile are batlaa ikitaya ka thupa go bapatsa lefatshe leo la kgwebo. economy_business_and_finance 3 Bakgatla ba batla matimela a isiwa kwa temo-thuong E re ka jaana puso e ikaeletse go tsisa diphetogo dingwe go tokafatsa molao wa matimela, Batswana ba tsweletse ka go supa dipharologanyo tsa go amogela le go baakanya diphetogo tseo. E rile fa Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso, a buisa phuthego ya kgotla kwa Mochudi ka Laboraro, Bakgatla ba supile fa go ka nna botoka gore matimela a isiwe kwa lephateng la matlhoko a leruo ka ba ka thusa barui go le bona ka bonako. Ba supile fa lephata la matlhoko a leruo e le lone le ka tsamaisang kgang ya matimela botoka go gaisa khansele ka jalo ba kopa puso go fudusetsa matimela kwa lephateng la temo-thuo. Rre Kabelo Moremi a re boitseanape jwa leruo bo kwa lephateng la temo-thuo ka jalo a kopa gore matimela a isiwe kwa lephateng leo ka ba na le maina a barui botlhe le megala ya bone go ba tshwara fa leruo le le kwa go bone. O ne a supa gape gore ene o dumela gore fa kgomo e na le tshipi ya mong wa yone ga go kake gatwe ke letimela ka jaana ene o a bo a e batla ko ntlheng e nngwe mme go ka batliwa mong wa yone a e begelwa. Rre Moremi a re mo go fetoleng lebaka la dikgwedi tse thataro go ya go tse tharo matimela a le mo sakeng la matimela, o ne a kopa gore go name go engwe pele ka go fetola lebaka leo ka jaana ba ka tloga ba humanega ba le bantsi dikgomo tsa bone di ile ba santse ba di batla. Rre Shadrack Tlhaolang ene a re o kopa gore matimela a hudusediwe kwa lephateng la matlhoko a leruo ka ba itse sengwe le sengwe ka leruo bogolo jang modimo wa nko e e metsi. E re ntswa bontsi jwa bone ba ne ba ganana le gore dikgwedi di fokodiwe go tswa go kgwedi tse thataro go ya go tse tharo, Rre Bogosi Tladi e ene a re o bona fa kgwedi tse tharo di siame ka jaana matimela a gasiwa mo seromamoweng. A re gape fa matimela a ile kwa lephateng la matlhoko a leruo go ka nna bofefo go bona leruo ka gore ba na le maina a bone le megala ya bone mme ba ka ba tshwara go ba itsise ka matimela. Rre Tladi o ne a supa fa puso e ne e ka fokotsa tiro e ntsi ka gore go ne go ya go tlhofofala mme e bile puso e ne e ka duedisa ba e ba leleditseng ka jaana ya bo e ba thusitse fela thata. Morwarraagwe e bong Pheto Tladi o ne a supa fa ene a sa dumele gore go na le kgomo e go ka tweng ke letimela ka jaana e na le tshipi mme a ganana le kgang ya go fokotsa lebaka la dikgwedi tsa leruo le le nnang ko lesakeng la matimela. E rile go le pele fa Mothusa tona a ba baya kgang pele a supa fa ba na le dikakanyo tsa go fokotsa malatsi a go bega matimela go tswa kwa go malatsi a 30 go ya ko go 14 (section 6) le gore morago ga malatsi a matlhano ramatimela a bo a di tshwaile ka tshipi ya kgaolo eo. Mma Tshireletso a re o ne gape a bolelela morafe gore molao wa gompieno wa re mong wa seruiwa ga a kake a e tsaya morago ga kgwedi tse thataro e le mo sakeng la matimela mme kakanyetso gompieno ke gore mong wa seruiwa ga e kake a e tsaya morago ga nako ya 1630 hours mo maitseboweng letsatsi pele ga thekiso ya seruiwa seo. O ne gape a ba raya a re go le pele mong wa seruiwa fa a sa se tseye pele ga kgwedi tse thataro di wela, ba lephata la matimela ba tla rekisa seruiwa seo mme jaanong kakanyo ke go fokotsa lebaka leo go ya kwa kgweding tse tharo fela. BOKHUTLO politics 7 Puso e baakanya molao wa matimela Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Frans van Der Westhuisen, a re lephata leo le mo thulaganyong ya go baakanya melao ya matimela e a supileng fa e imela dikhansele. Fa a buisa banni ba Bobonong beke e e fitileng, Rre Westhuisen a re se se dirwa ka gore barui ba itlhokomolositse leruo la bone mo ba le tlogelang le gobeya gongwe le gongwe. Rre Westhuisen yo gape e leng mopalamente wa Kgalagadi borwa o supile fa khansele e dirisa madi a mantsi mo leruong le e le tshegeditseng. A re kakanyetso diphetogo ya lephata la gagwe ke gore matimela a begiwe mo malatsing a le lesome le bone go tswa kwa go a masome a mararo jaaka e le tlwaelo mme e bile a dirise malatsi a le lesome e bone go tsaya leruo la go nna jalo. Mo malatsing a le matlhano leruo la go nna jalo le tshwanetse la bewa tshipi ya matimela le letsatsi le le tshegeditsweng ka lone. A re mo nakong ya gompieno matimela a ka tswewa mo lesakeng la khansele go fitlhela letsatsi la thekiso mme phetogo e nne gore ka letsatsi la thekiso go se leruo lepe le ka tsewang. Khansele o supile fa e ntse e tshegetsa leruo dikgwedi di le thataro, mme ba batla go fokotsa go ya kgweding tse tharo. Modiri wa matimela le ene o tla neilwa dithata tsa go bolya leruo le le lwalang mme a tshwaraganetse tiro eo le modiri wa matlhoko a leruo. Rre Westhuisen o kopile banni go tlhokomela leruo la bone gore le seke la gobeya gongwe le gongwe. O ile a kopa ba ba filweng mananeo gore ba a dirise sentle gore a ba ntshe mo lehumeng a a kopa gore le fa motse wa Bobonong o le motse wa ditlogamano, dikopo tsa batho tsa dikgwebo ga di a tshwanela go dieega. Fa ba tswa la bone banni ba banni ba re matimela a tshwanetse go isiwa kwa lephateng la themo thuo ka ke lone le itseng ka leruo e bile ba itse gore ditshipi ke tsa bo mang. Bodiredi bo supile fa bo tshwengwa ke gore bangwe ga ba a bolo go berekela ruri mo kgaolong ya Bobirwa se ka tsela ngwe se dira gore ban ne boitseme mo tirong. Rre Westhuisen o ile gape a lekola ditsela tsa motse wa Bobonong tse di dirwang ke kompone ya Zac Construction tse di solofetsweng go lwela ka ngwaga wa 2016. BOKHUTLO politics 7 Komiti ya Changate e itumelela dipalamo tsa setshaba Komiti ya ditlhabololo tsa Changate mo kgaolong potlana ya Tutume e lebogela dipalamo tsa setshaba tse di tsamaelang kwa motseng oo. Mo potsolotsong bosheng, modulasetilo Rre Deblues Mokhakhisi a re le ntswa tsela e e kopanyang Changate le metse e e mabapi e le mo seemong se se sa kgatlhiseng, se se itumedisang ke go bona go na le dikoloi tsa setshaba tse di tsamaelanang kwa motseng oo. Rre Mokhakhisi a re dipalamo tse di tharo ka palo mme di tswa mo Changate di fete ka Tutume go ya Francistown. O boletse fa dipalamo tse di ba tlhofofaletsa mosepele ka gore fa motho a tshwere dinako tse di emelelang ka tsone go motlhofo go ya go kopa ditirelo kwa Tutume kgotsa Francistown. Rre Mokhakhisi o akgoletse bakgweetsi ba dipalamo tse tirisano mmogo le setshaba gammogo le bopelotelele jwa bone. A re le fa motshegare ba a tle ba tlhoke dipalamo ka jaana di a bo di setse di emeletse tsotlhe, gone ga go tshwane le fa di seo gotlhelele Go sale foo, Rre Mokhakhisi o supile fa ditlhabololo di tsweletse ka go goroga mo motseng wa bone le fa ntswa di tla ka bonya. A re sengwe se banni ba se itumelelang ke kgokelo ya motlakase mo motseng gammogo le kokelwana ya bone e jaanong e setseng e aba diritibatsi. A re le fa nako tse dingwe melemo e tlhaela, ga go tshwane le mo nakong e e fetileng fa balwetsi ba ne ba tsamaya sekgala go bona kalafi.Mo go tse dingwe, Rre Mokhakhisi o supile fa ba sa itumedisiwe ke sekgala sa dikhilomithara tse di masome se baithuti ba sekole se se golwane ba se tsamayang go ya kwa motseng wa Nkange. A re se se pateletsa baithuti go emelela mo mosong ka nako ya botlhano, seemo se a reng se ba baya ka fa mosing ka ba goroga kwa sekoleng ba lapile mme ba nne le bothata jwa go amogela dithuto sentle. O tlhalositse fa seemo se, se na le seabe mo kwelo tlaseng ya maduo a bana ba e bile gape se baya matshelo a bone mo diphatseng ka jaana ba kgona go kopana le dilalome fa ba ya kgotsa ba boa kwa sekoleng. Bokhutlo society 9 Ba feta 30 000 ba letile go bewa Mothusa mokwaledi wa lekgotlana le le botlana la kabo ditsha la Serowe, Rre Morapedi Ntwaagae a re kabo ditsha ya bofelo go dirwa kwa Serowe ke ka 2016, go bewa baikopedi ba 2005/2006 kwa kgotleng ya Semane. A re go ne go na le ditsha di le 2 500 kwa Semane mme ga seka ga bewa di le 900. Rre Ntwaagae o neng a bua kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Serowe Bokone gape e le mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Kgotla Autlwetse ka Laboraro kwa Serowe. A re lengwe la mabaka a a dirileng gore dingwe di seka tsa bewa ke gore e a re fa go bewa, go nne le bangwe ba ba atleng ba supe fa lefatshe le go bewang mo go lone e le masimo a bone jaaka go diragetse kwa Semane mme seo se kgoreletse peo. Rre Ntwaagae a re ba mo dithulaganyong tsa go bona gore kgang e e ka rarabololwa jang. A re palo ya baikopedi ba ba iseng ba bewe ke 30 620, e akaretsa Serowe le metse e e mabapi, mme dipalo tsa Serowe fela e le 20 003. “Tsholofelo ke gore botlhe pheletsong ba bewe,” Rre Ntwaagae a tlhalosa. Rre Ntwaagae a re Serowe ke motse selegae o o gogelang go nna motse setoropo mme o bewa ditsha ka thulaganyo. Ditsha tsotlhe, tsa bonno le kgwebo a re di direlwa moalo pele ga di ka ajwa e re kwa go nang le diphatlha teng go kopiwe bogakolodi jwa bomaitseanape gore di ka dirisediwa eng, mme le tsone di direlwa moalo pele. Rre Ntwaagae a re mo bogompienong lekgotla la kabo ditsha le sekaseka go batlisisa ka diphatlha tse di mo gare ga motse gore di direlwe mealo pele ga di ka bewa. Rre Ntwaagage o ne a araba Rre Gothataone Keboifile yo a neng a botsa gore fa go twe peo ya ditsha e diegile, go tewa go tsere sebaka se se kae. Rre Keboifile o ne a kopa gape gore a go ka seke go sekasekwe gore mo boemong jwa dipone tsa mo mekgwatheng, go dirisiwe tse di bogale kana ka tsone di bonesa kgakala, mogopolo o modulasetilo wa khansele- potlana ya legare, Rre Mpho Keoreme a neng a re o ka sekasekwa. Rre Keoreme a re dipone tse, di ka tlhofofatsa tiro le go boloka madi mme sebe sa phiri ka tsone ke gore di bogale mo bangwe segolo jang ba ba tlaa bong ba bapile le tsone ba ka ngongoregang gore di ba tlhora boroko. A re mogopolo o o tlaa batla ditshekatsheko tse di tseneletseng. BOKHUTLO politics 7 Moruti o leboga bagolo ba kereke ya UCCSA Rev Samuel Kenaape o roletse bagolo ba kereke ya UCCSA hutshe go bo ba nnile le seabe mo go godiseng kereke le go tlhabolola lefatshe. Rev Kenaape o buile jalo kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke kereke eo kwa Selebi Phikwe ka Matlhatso. A re bagodi ba tshwanetse go lebogwa ka dinako tsotlhe go bo ba nnile le seabe mo go tlhabololeng lefatshe le go goga bana mo lefokong la Modimo. Rev Kenaape a re bagodi ba kereke ya UCCSA ba dirile ka thata go bona gore go rena kagiso le lerato mo kerekeng mme ba ikaegile ka matshego a tebelopele ya setshaba ba remeletse mo go la setshaba se se rutegileng e bile se na le kitso ya poifo modimo. A re poifo modimo ke tshimologo ya botlhale, a bolela fa a kgothatsa bagolo bao go tswelela ba direla Modimo ka dinako tsotlhe ba seka ba lebelela go gola ga bone e le seipato, a re ka go dira jalo go tlaa bo go raya gore ba tlaa bo ba goletse Modimo. Rev Kenaape o tlhalositse fa e le yone nako ya gore ba nne tlhaga mo ditirong tsa Modimo, a re ba seka ba nna le dikakanyo tsa go ikgatholosa lefoko la Modimo ka e le lone sejo sa mowa, a re seo se ka tsala boikgogomoso fa pele ga Modimo. Rev Kenaape a re bangwe ba bagolo ba na le go tsietsega fa dingwaga tsa bogodi di goroga ba gopola gore ke yone nako ya go kgaogana le Modimo mme ba tshwanetse go itse fa e le yone nako ya go nna tsala thata le Modimo le go nna le tumelo gore e kgone go ba nonotsha fa ba kopana le dikgwetlho tsa botshelo. O tsweletse a ba kgothatsa gore le fa ba ka atlega go le kae mo botshelong ba tshwanetse go itse fa e le mautlwelo botlhoko a Modimo e seng ka bokgoni jwa bone. Go ya ka Moruti Thatayaone Keimetswe wa kereke ya UCCSA, tiro ya go lebogela bagodi seabe sa bone mo go tlhabololeng le go bopa banana ba eleng bone baeteledipele ba kereke monakong ya gompieno e ka bo e ne e dirilwe ka Sedimontlhole ngwaga o o fetileng mme ba seka ba kgona. Kereke e ne ya re morago ya tshwara merapelo go baya lefatshe fa pele ga ga ramasedi jaaka le ipaakanyetsa moletlo wa go ipelela dingwaga tse di masome matlhano le go kopakagiso le thitibalo jaaka molelo wa kgolagano o raletse lefatshe go kopanya setshaba. Bokhutlo religion_and_belief 8 Thibelo borukhutlhi ke maikarabelo a botlhe Mookamedi wa ofisi ya sepodisi ya Mochudi a re thibelo le twantsho borukuthi ke maikarabelo a Motswana mongwe le mongwe. Fa a akgela kwa phuthegong ya kgotla ya modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Dick Busang o ne a re mapodisi a tsweletse ka go rotloetsa morafe go ikgolaganya le dikomiti tsa twantsho borukhuthi go fema borukhutlhi. A re fa e le gore ga go na komiti e, a banni ba ikgolaganye le mapodisi ba rutuntshiwe go ikemela ka dinao ba lwantshe borukhutlhi. Rre Busang a re ga ba kake ba kgona go dira tiro e ba le nosi ka e bile ofisi ya gagwe a thusa metse e le mentsi mme ditlamelo di tlhaela. “Jaanong go mo go rona go bona gore re a tshwaragana, re dire ntebele ke go lebele, re seka sa tsamaya masigo re le nosi, re gwetlhege go bona gore re a itsane re le baagisanyi,” a rialo Rre Busang. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa lenaneo la nyeletso lehuma mo Kgatleng Mme Khutsafalo Mogotsi o rotloeditse badirisi ba lenaneo le go itsaya tsia gore ba kgone go atlega. A re motse wa Bokaa o filwe mananeo a nyeletso lehuma a le masome a mabedi le borobabongwe, mme a le masome a mabedi le botlhano a a thenyathenya. “A le mane fela ke one a atlegileng mme a tsweletse ka go gola. Lenaneo la A re go a tshwenya gore fa batho ba fiwa mananeo a puso go ithusa go bo go na le bangwe ba ba sa a diriseng, ka se se busetsa puso morago mo maitekong a yone. “A batho ba tlhoafalele lenaneo le ba itsose,” a tshwaela. Rre Joseph Sebina, yo e leng mokhanselara wa Bokaa, e bile a filwe boikarabelo jwa go kgaoganya madi a khansele, a re maduo a bana ba dikole a a tshwenya. A re o tshwenngwa ke dipalamo tsa setshaba tse di tsayang bana ba dikole ka diletso tse di lelelang kwa godimo le go pega bana ba ba fetileng palo. “A seemo se re le ba khansele le mapodisi a kgaolo re se potlakele ka matshelo le bokamoso jwa bana ba rona di tshwanetse go tokafadiwa,” a rialo Rre Sebina. Rre Sebina o supile fa bosheng a ne a isa bana ba le masome a mabedi le bongwe go tswa mo kgaolong go ya go iteka lesego go tshamekela setlhopha sa Township Rollers sa dingwaga tse di ka fa tlase ga masome a mabedi le bongwe. A re ba le bararo fela ke bone ba kgonneng go atlega, mme se e le tshwanelo ya go ba rotloetsa le go ba ilela. “A re leseng go nwa majalwa le bana ba rona. A re ba rotloetseng ba tsenelele metshameko ka dinako tsa gompieno ba ka itshetsa le go ya mafatsheng ka yone,” a feleletsa. crime_law_and_justice 1 Molelo wa naga o tlogela bakgetli ba bojang ba akabetse Molelo wa naga o o neng o tlhasetse masimo le meraka ya Parakarungu mo kgaolong ya Chobe o tlogetse bangwe ba bakgetli ba bojang ba itshopere. Molelo o, go tlhalosiwa o simolotse ntlheng ya Namibia mme o ne wa jwelelela le masimo le meraka ya Parakarungu. Masimo le meraka ya Mabozu, kwa banni ba Satau, Kachikau, Mabele, Kavimba le Parakarungu ba kgetlang bojang teng thata, e ne ya amega thata. Mo potsolotsong le ba O ne a bolela fa molelo o tshubile bojang bongwe jwa bone jo boneng bo setse bo kgetlilwe ka gore o ba tshoganyeditse. “Molelo o go supagala fa o simolotse kwa Namibia mme o bo o tlolelela mo Botswana. Re le bakgetli ba bojang re senyegetswe fela thata.” go tlhalosa Mme Nchindo. Mme Nchindo a re go kgetla bojang e setse e le kgwebo e tona mo kgaolong e tshwana le ya Chobe ka gore batho ba itshetsa ka kgwebo eo. A re bontsi jwa batho ga ba bereke mo metseng selegae, ka jalo go kgetlha bojang go thusa go godisa itsholelo ya banni. O tlhalosa fa a rekela bana ba gangwe paka ya sekole ka madi a aa bonang fa a sena go rekisa bojang mme ditiragalo tsa mofuta o di ba baya ka fa mosing. Mme Nchindo a re molelo wa naga ga o senye bojang jo bo kgetlilweng fela mme o tshuba le bojang jo baneng ba eletsa go ka bo kgetla mme se se dira gore ba bo latele kgakala ko go senang molelo teng. O tlhalosa fa se e le kgwetlho ka gore bontsi jwa bakgetli ba bojang ga ba na dikoloi mme ba tsamaya ka dinao. Molelo o wa naga go lebega o sa ama bakgetli ba bojang fela mme o amile le bakgetli ba letlhaka ba ba neng ba le kgetla ko Nokeng ya Lyambezi ko mafatshe a Namibia le Botswana a kopanelang teng. Mongwe wa ba ba amegileng, Mme Chuma Makgetho, a re molelo wa naga wa bosheng o jele letlhaka la gagwe le ka tshwara dingata di le masome mararo.mme a re se ke poelo morago ka gore o tshwanela ke gore a ye go simolola sesha ka ebile a ne a setse a bone moreki wa letlhaka leo. Mme Makgetho a re o dirisa letlhaka le lengwe go aga bonno jwa gagwe mme tiragalo ya mothale o e ngomola pelo, segolo bogolo ka go kgetla bojang go tla ka dikgwetlho di le dintsi jaaka go tsamaya sekgala se se telele go ya ko nokeng ko ba kgetlang letlhaka teng. O ne a tswelela ka go kgala batho ba ba tshubang naga ka go bo go dira jalo e le go senya matlotlo a tlholego. O kopa thuso mo pusong go dira ditsela tse di ka kganelang molelo go jwelelela, segolo bogolo kwa mafatsheng a Botswana le Namibia a kopanelang teng go tila ditshenyegelo. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Banana ba kopilwe go tsepama mo mananeong Mogolwane kwa lephateng la banana, metshameko le tlhabololo ngwao a okametse kgaolo ya bokone, Rre Jacob Sekgoni o kopile banana go nna boineelo, bopelotelele le go tsepama mo megopolong e ba nang nayo gore mananeo a bone a atlege. Rre Sekgoni o buile se ka letsatsi la pitso ya banana ba dikgaolo tsa botlhophi tse di mo kgaolong potlana ya Tutume kwa Tutume ka Matlhatso. A re banana ba na le go itlhobogo mme se se ba diye go tsweledisa megopolo le dikakanyo tse ba nang natso. A re pitso e, e ne e diretswe banana go tla go abelana megopolo le ba tsaya karolo ba ba farologaneng go tswa mo maphateng a puso le a a ikemetseng ka maikaelelo a go ba fa lesedi le motlhala ka mananeo a a itebantseng le bone. Rre Sekgoni a re kopano joo gape e ne e le go abelana dikgwetlho le matshwenyego a banana ba kopanang nao fa ba ikopela dithuso tsa lenaneo la banana la Youth Development Fund (YDF), mme ba tle ka ditharabololo e le ba na le seabe ka moroto wa o esi o sa ele. O kgothaditse banana go ema ka dinao go tla ka maano a a tlaa ba thusang go atlega mo botshelong, a tlhalosa fa ba ba kgonneng e se gore ba kgonne ka letsatsi le le lengwe mme ba ne ba seka ba itlhoboga, ba tswelela go fitlhelela ba kgona se ba neng ba se batla. Rre Sekgoni o kopile bana go dirisa kitso e ba e amule mo bokopanong joo, le go itlhaganelela go ya go ikopela dithuso kwa diofisi. Rre Wachila Khani wa Dominic studio, e bile e le monana yo o thusitswe ka lenaneno la banana mme kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle o galalesitse puso go nna tsebe ntlha go rekegela dilelo le matshwenyego a banana. Rre Khani a re puso e leka ka bojotlhe go tlhokomela banana ka go ba direla mananeo a ka one ba ka kgonang go ishetsa. O ne a gwetlha banana ba bangwe go tsaya mananeo go tlhabolola matshelo a bone le go kopa dikgakololo ka mananeo a ba batlang go a dira le go dira dipatlisiso pele fa ba simolola kgwebo. A re gantsi dikgwebo di digwa ke gore batho ba dira kgwebo e e tshwanang ba le bantsi. Rre Khani o ne gape a gwetlha banana go dirisa maranyane a facebook go dira dipatlisiso ka dikgwebo go na le go a dirisa botlhatswa. A re gape ba tshwanetse go nna ba ikoketsa dithuto gore ba kgone go tsamaisa dikgwebo tsa bone, a gakolola go seka-seka dikgwebo tsa temo ya merogo fa ba ikopela mananeo ka di sa ntse di na le mmaraka. Banana ba kopile gore madi a ba thusiwang ka o ne, a okediwe go ya kwa go P200 000, ba bolela fa ditlhwotlhwa di fetoga ngwaga le ngwaga. Ba ne ba kopa gore go nne le makgotla a banana (youth association) kwa dikgaolong gore ba kgone go amogana maele le dikgwetlho tse ba kopanang natso. Fa a tsibogela matshwenyego, Rre Sekgoni o ne a bolela fa lephata la gagwe le amogela megopolo. A re seo ba se supile ka go ba okeletsa malatsi a go dira dikopo tsa bone ka lenaneo la YDF mme a tlhalosa fa dingwe di fetisediwa kwa go baba maleba.ENDS politics 7 Olebile o tlhatositswe maemo Mothusa kgosi kwa Palapye, Kgosi Masego Olebile, otlhatositswe maemo gonna mothusa kgosi wa maemo a magolwane a tsaya maemong a ga moswi Kgosi Raditanka Ntebele. Kgosana Michael Maforoga ene O atlaa tsaya maemo a mothusa kgosi a aneng a tshwerwe ke Kgosi Olebile. Tlhatloso maemo e tlaa jaana banni ba Palapye ba se na go dumelana mme se sa direla bogosi kwa Serowe tiro mothofo gore ere mo nakong e khutshwane ba bo ba kgonne go tlhoma kgosi le mothusi wa gagwe, fa maemo a ga moswi kgosi Klass Motshidisi one a ise a kabiwe. E rile a rola bobedi joo, motshwarelele bogosi jwaga Mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane a re bobedi joo ke dikgomo tse dikatileng tse disetseng di itse teu, ga ditlhoke go tshwarelelwa kgole, mme a supa fa Palapye ana le dikgwetlho tsa go gola ga ditlhabololo tse tsotlhe diyang gonna mo maruding a bone ele ba bogosi go bone gore ba amogela jang morafe o otlang le ditlhabololo tseo. One a gakolola morafe gore metse ya selegae e ba potswe ke makalana a puso a mane (4), Molaodi, Bogosi, Khansele le ba kabo ditsha, ka maikaelelo a go atumetsa ditirelo kwa bathong ka bofeka, botswerere le bonokopila bale seopo sengwe, ka kwa phelelo ba lebaganye le gothusa motho ale mongwe. One a isa boikuelo are dikgosi ditshwentswe ke batho b aba rekisang lefatshe are seo ke go rontsha ban aba bone tshwanelo ya lefatshe, one gape are molao o o fitisitsweng wa go busediwa ga mephato, morago ga golemoga fa serodumo sa batswaba sa setho senyelela otlaa aga chaba ya lefatshe leno. Kgosi kgamane are ke maikarabelo a motsadi mongwe le mongwe go bone gore o godisa ngwana jang, le gone go moruta setho.Mokwaledi mogolo wa wa kgaolo ya legare, Mme Kgopolo Lehelepa one a iteela kobo moroko mafoko aga kgosi,are ba Palapye batshegofaditswe ele ruri ba badiretse tiro mothofo ka go ba tlhophelo b aba boeng batshwanelwa ke ditilo tseo. Mothusa molaodi wa kgaolwana potlana ya Palapye Mme Veronica Rabakane one are “tlotlang kgosi, boifang modimo” are morafe ke one fela o ka dirang gore serodumo sa Palapye seye kwa mankalankalng fa bathusa dikgosi tse pedi tseo go busa ka tshosologo basa kgopakgopediwe ke sepe. “kgosi ke kgosi ka batho” kgosi e tlhoka go bopiwa le goagiwa ke morafe wa yone. Lefa gotwe kgosi thotobolo e olela matlakala, ba solofetswe go bopaganya morafa eseng go o kgaoganya, “phata phata e a iphatalaletswa, kgobokgobo e e ikgobokanyetswa’. Ene ya nna megolokwane fela le mafoko a tebogo gotswa mo morafeng wa Palapye, fa bo bedi joo bone ja amogela thomo ka tsoo pedi, mme kgosi Olebile a supa fa morafe wa Palapye o tshwaragane jaaka thako ya pitsi, are fela jalo oya godirisana sentle le kgosi Maforaga. BOKHUTLO society 9 Madi a dikatso ga se one tsela fela Tona wa dipalamo le ditlhaeletsano, Mme Dorcas Makgato, o gakolotse maloko a Botswana Teachers Union (BTU) go batla metswedi e mengwe ya itshetso go na le go ikaega fela ka dikatso tsa kgwedi le kgwedi. Mme Makgato o ne a bua kwa moletlong wa maloko a BTU go keteka letsatsi la boitekanelo kwa Sefhare bosheng. O ne gape a kgothatsa maloko go tlhabolola dithuto tsa bone go na le go baya mo mohiring wa bone. A re fa ba tsene dithuto tse di farologaneng, ga ba na go batla ditiro mme ditiro ke tsone di tlaa ba batlang ka dikhamphane di tlaa kgatlhegela dithuto tse ba di dirileng mme di ba laletse tiro. O rotloeditse maloko go nna pharologanyo mo bontsing jo bo leng teng gore ba kgone go atlega mo botshelong. Mme Makgato yo ebileng gape e le mopalamente wa Sefhare/ Ramokgonami o ne a rotloetsa bomme go ikemela ka dinao. A re ba tshwanetse ba ipona e le batho fela jaaka motho mongwe le mongwe mme ba gatele pele e le batho ba ba itshepang. A re ka fa motho a ikayang ka teng go botlhokwa mme fa a gatelela mo go reng ke mosadi, o tlaa boela kwa morago. Mme Makgato a re mo botshelong motho o tshwanetse a nne le tsamaiso ya gore o tlaa tsamaisa jang lenaneo la madi. A re bangwe ga ba na lenaneo leo mme ba felela ba tlogela ditiro ba bo ba tsaya madi a a kabong a ba tshetsa fa ba tlogela tiro mme ba simolola botshelo sesha ka one. O kgothaditrse maloko a BTU go nna le kwa ba bolokang madi teng mme ba sireletsege mo e kareng fa ba re ba tlogela ditiro ba bo ba sa lebe kwa morago ka ba tlaa bo ba itse fa ba na le madi a a sireletsegileng. Mme Makgato a re go na le dikgwebo di le dintsi tse ba ka di dirang kwa ntle ga temothuo. Mme Thandie Malebang yo e leng mokgothatsi o ne a gakolola maloko go nna le lenaneo ka madi a bone. A re le fa motho a adima madi kwa bankeng, o tshwanetse go nna le lenaneo ka one e seng a a tsaya fela. O tlhalositse fa madi a lebelela boitshwaro kana boitsholo jwa motho mme a bo a dira fela jaaka boitshwaro joo. A re nako tsotlhe madi a batla diphatlha tse a ka tswang ka tsone mo mothong. Mme Malebang a re motho ga a atshwanela go laolwa ke madi mme e tshwanetse e nne ene a laolang madi. O ne a fa sekai ka bangwe ba a reng ba itumela thata fa e le letsatsi la go amogela mme e re madi ao a tsena ba seke ba itse gore ba dirile eng ka one. Mme Malebang o gakolotse maloko go dirisa madi sentle mme ere ba sena go a dirisa ba itse gore madi mangwe le mangwe a ile kae kana ba a dirisitse eng. A re fa motho a dira ga se lekgoba la tiro mo a felelang a amogela madi mme a bo a sa itse gore o dirile eng ka one. O ba rotloeditse gore ba fetole ka fa ba ntseng ba leba madi ka teng a re bonyennyane jo motho a ka bo ipolokelang ke sengwe. BOKHUTLO society 9 Zola ke sekai sa go dira ka natla Bontsi jwa banni ba Letlhakane ba mo itse ka leina la Zola. Go ya ka Rre Zola Zaba yo o tlholegang kwa Mahalapye, le fa a bokwa jaana, e ne e se tsela e e motlhofo go nna se a leng sone mo nakong ya gompieno. O tlhalosa fa mosepele wa gagwe mo kgwebong o simolotse ka 1995 kwa Mahalapye e le mmelara mme ya morago a tlogela theko le thekiso ya dikgomo a le lebisa kwa Letlhakane. “Ke ne ke le motho yo o pelo telele e bile ke na le lerato mo kgwebong, ka jalo e ne ya re ke tsena mo Letlhakane ka simolola go reka diaparo kwa Aferika Borwa ke di rekisa,” ga tlhalosa jalo Rre Zaba. Tsela ya ga Rre Zaba e ne e se boreledi jaaka bontsi bo ka akanya. Mo potsolotsong bosheng, o tlhalositse fa a ne a tlogela kgwebo ya diaparo mme a tsena mo go ya khombi. “Zola Express e ne e tsamaya tsela ya Letlhakane le Palapye, sebe sa phiri ya nna gore khombi e, e ne e se na teseletso ya go rwala setshaba,” a tlhalosa jalo. Botshelo jwa Zola Express e ne ya nna jwa dingwaga tse pedi. Rre Zaba a re o ne a tshwara ka natla go jesa ba lapa la gagwe, selo se a boletseng fa se tlhaela mo bananeng ba gompieno. O tlhaolositse fa katlego ya gagwe e kgolo e gorogile ka 1990 fa a tsena mo kgwebong ya go baakanya diromamowa. Kgwebo ya go baakanya diromamowa e ne ya mo fa dipoelo tse di nametsang ka a ne a kgona go bula marekisetso a dijo le mesokelatsebeng ya setshaba kwa Letlhakane le Shoshong. Rre Zaba o tlhalosa gore mo nakong eo mohumagadi wa gagwe o ne a berekela mo lephateng la tsa kago mo khanseleng ya Boteti mme ba tiro ba ne ba mo fudusa go ya go berekela kwa Gumare. Kgang ya go kgaogana le mosadi ya seka ya mo jesa monate mme a tsaya tshwetso ya gore mosadi a tlogele tiro ba tshwaraganele kgwebo. Mo nakong eno ba le bantsi ba setse ba gakologelwa magwinya a ga Mma Zola. Boora Zola ba ne ba simolola go reka ditsha mo baaging ba Letlhakane ba mo nakong eo ba neng ba eletsa go fudugela kwa mafelong a sele. A re bontsi jwa batho ba ba ne ba batla go fudugela kwa metseng e e bapileng le Letlhakane jaaka boMokobaxane, Xhumo le Rakops. O ne a reka ditsha tse ka go ba agela matlo mo mafelong a a farologanyeng. Mo nakong ya gompieno Zola to Zola Complex e ikadile le Letlhakane e bile e thusa puso mo go tlhameleng Batswana ditiro ka mo nakong eno e thapile Batswana ba ka nna sekete. Rre Zaba o tlhalosa fa kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho mme go ya ka ene kgwetlho e tshwanetse ya tiisa mogwebi moko go na le go mo kgoba marapo. A re keletso ya gagwe ke gore bogogi jwa motse bo ba fe sebaka sa go ruta setshaba ka tsa kgwebo mo diphuthegong tsa kgotla le go ba laletsa fa go na le baeng ba tshwana le mapalamente le matona a puso. O ne a gakolola banana gore, “madi a simolola mo go Thebe gore e tle e nne sekete sa dipula, ka jalo banana ba tshwanetse ba somarela bonnyenyane jo ba nang le jone ka dinako tsotlhe.” O gakolotse banana gape go tsepama mo selong se le sengwe ka nako go itsa go farafarwa ke ditiro. O ne a fa sekai ka phiri e e neng ya kgaogana ka bogare ntateng ya bopelotshetlha. A re ene o itebagantse le tsa dikago e bile botshelo jwa gagwe bo ya go felela mo tirong eo. economy_business_and_finance 3 Mapodisi a Good Hope tshegeditse mmelaelwa Mapodisi a Ramatlabama a tshegeditse monna mongwe go ba thusa ditlhotlhomiso morago ga tiragalo e lekawana le le dingwaga di masome mabedi le bobedi a tlhabilweng ka sengwe se se bogale kwa maitisong mme a felela a tlhokafetse. E rile a tlhalosa, motshwarelela ramapodise Rre Dyumthi Kwezi o tlhalositse gore tiragalo e e diragetse ka Matlhatso phakela fa borre ba ba ne ba le kwa maitisong mme ba nna le tlhoka kutlwisisanyo. O tlhalositse fa yo mongwe a ne a tsaya sengwe se se bogale mme a lwa le tsala ya gagwe. Borre ba go bolelwa fa e ne e le ditsala e bile ba tswa Tlhareseleele mmogo. Go belaesega fa ba gorogile botlhe go tswa kwa Tlhareseleele go tla go itisa mo Pitsane. O buile gore e rile morago ga tiragalo e rre yo a ragogedisiwa kwa sepatela sa Good Hope kwa ba bongaka ba ileng ba tlhalosa fa a tlhokafetse. O tlhalositse fa setopo sa gagwe se le mo setsidifatsing mo sepatela sa Good Hope go tlhatlhojwa. O tlhalositse fa rre yo a itshupile kwa lekgotleng le le tona la ditsheko mo lobatse ka Mosupologo mme a tshegeditswe ke mapodise fa ditlhotlhomiso di tsweletse. E re go ntse jalo, o ne a gakolola setshaba go fokotsa dino. O tlhalosa fa go belaesega tiragalo e e diragetse borre ba ba le mo maibing a bojalwa. O tlhalositse gore go botlhokwa gore fa batho ba na le kgang ba leke go kopa thuso mo go ba ba gaufi ka go lwa go felela go baka dintsho jaaka go diragetse. O tlhalositse gape fa ba tlhotlhomisa monna yo o dingwaga di masome mararo le botlhano mabapi le petelelo ya mme mongwe yo o dingwaga tse di masome mabedi le bobedi wa Ramatlabama.BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Goya o leboga bobegadikgang Mothusa tona wa peeletso, papadi le madirelo, Rre Moiseraele Goya o lebogetse bobegadikgang jwa lefatshe leno go bo ba nnile le seabe mo go tlhabololeng lefatshe leno ka go nonotsha puso ya batho ka batho. Rre Goya yo o neng a buisa banni ba Palapye ka letsatsi la boipuso, a re mhama wa bobegadikgang o tshwanelwa ke go lebogwa mo go thuseng go aga lefatshe leno. A re dikgakololo tsa bobegadikgang di thusitse go nonotsha puso ya batho ka batho le go gakolola puso fa dilo di sa dirwe sentle. A re lefatshe leno le tshwanetse go ipelela boipuso e le go gakologelwa tse di dirilweng ke boeteledipele jwa pele, a re se se ka thusa baeteledipele ba gompieno gore le bone ba tsweledise ka go tshegetsa kagiso le thokgamo gore dikokomane tse di tlang le tsone di akole ledula le. A re lefatshe leno le tsere boipuso go sena tshololo ya madi, le go tshwara ditlhopho tse dintsi go ntse go sena tshololo ya madi kana go gatakwa ga ditshwanelo tsa setho. “Boipuso jwa rona ke jwa kagiso ga se jwa tshololo ya madi. Bo re beile mo mmepeng, bo re tlotlomaditse, bo re isitse mankalenkaleng.” O kaile fa lefatshe leno le kgonne go kgaoganya meamuso ya lone ka tekatekano gore Motswana mongwe le mongwe a akole ditlhabololo. O ne a kopa gore kgotla e tlotlwe, ka e se lefelo la sepolotiki mme e le kwa botlhe ba kopanelang teng go ntsha megopolo ka tsa tlhabololo ya metse ya bone, a tlatsa ka go re ‘mmualebe o bua la gagwe’. A re banana ga ba a tshwanela go salela kwa morago mo go tsenyeng letsogo go tlhabolola lefatshe la bone. A re bana le bone ba tshwanetse go reetsa le go tlotla batsadi ba bone, a re bana ke bone baeteledipele ba kamoso, a tlhalosa fa banana ba ka nna baeteledipele ba motia fa ba ka nna le maikarabelo ba sa le babotlana. Fa a tswa la gagwe, sebui sa tlotla Rre Mahomed Siraj yo e leng mogwebi mo Palapye le ene o roletse Batswana hutshe mme a ba rotloetsa go ema puso nokeng go tlhabolola lefatshe leno. A re nako ya boipuso ke nako ya go itsaya motlhala go kanoka tse di dirilweng ke bagaka ba maloba gore lefatshe leno le kgone go tsaya boipuso mo go la ga Mmamosadinyana. A re dikgosi tse tharo tse di neng di ile kwa ga Mmamosadinyana di tshwanelwa ke go lebogwa ga mmogo le botautona ba pele go bo ba eteletse fatshe jeno pele ntle le tshololo ya madi. A re nako e tsile ya gore Motswana mongwe le mongwe a itebe gore ene o direlang lefatshe la gagwe. Kgosi wa Palapye Kgosi Masego Olebile a re o swabisitswe ke dipalo tse di kwa tlase tsa batho ba ba neng ba tsile kgotleng, a bolela fa tumalano e e dirilwebg le morafe e le gore mongwe le mongwe a tle mo kgotleng mme morago ba ye kwa dikgotlaneng tsa bone kwa ba tlaa jang dijo tsa boipuso teng. A re dikereke le tsone ga di a tla ka dipalo tse a neng a di solofetswe, a tlatsa ka go re dikereke tsotlhe tsa Palapye di ne di tshwanetse go tla go kgobokana kwa kgotleng go tla go reetsa molaetsa wa ga Tautona. O ne a lebogela ba ba neng ba seka ba ipona tsapa go tla go reetsa molaetsa wa ga Tautona. BOKHUTLO politics 7 Ba UDC ga ba itumedisiwe ke WUC Leloko la phathi ya Umbrella for Democratic Change (UDC) e e akaretsang diphathi tsa sepolotiki tsa Botswana Movement for Democracy (BMD), Botswana People’s Party (BPP) le Botswana National Front (BNF), Rre Mbaakanyi Smarts, o kgadile a menne phatla ka fa koporase ya metsi ya Water Utilities e fang Batswana ditirelo ka teng. Rre Smarts, yo a neng a bua kwa phuthegong ya phatlalatsa e e neng e tshwaretswe kwa Masunga ka mafelo a beke, o kaile fa seemo sa metsi sa lefatshe leno se ile masweng fa e sale koporase eo e tsaya ditirelo tsotlhe tsa go siela Batswana metsi. A re, mo godimo ga matlhotlhapelo a go latlhegelwa ke ditiro ga badiri bangwe ba makalana a a neng a siela setshaba metsi pele ga WUC e tsaya ditirelo tsa metsi, Batswana ba le bantsi ba lela sa khuranyo ya meno ka ntlha ya ka fa koporase eo e dirang dilo ka teng. Rre Smarts, yo o emetseng kgaolwana ya bokhanselara ya Mosojane o boleletse batsena-phuthego eo fa setshaba sa lefatshe leno se tshelela mo lenyoreng le le maswe ka jaana WUC e retelelwa ke go ba siela metsi jaaka go tshwanetse. A re, selo se sengwe se se ngomolang pelo le go feta ke gore, e re le ntswa Batswana ba sa sielwe metsi ka fa go tshwanetseng ka teng, ba tsweletse ka go lopiwa go duela madimadi a tiriso ya metsi. Se, a re se a gakgamatsa ka jaana batho ba ne ba sa duele dituelo dipe tse di kalo ka dithulagayo tsa pele tsa go ba siela metsi le mororo tsone di ne di dira tiro ya tsone ka manontlhotlho a magolo. Mo ntlheng e sele, Rre Smarts o ne a kgala puso ka seemo sa motlakase sa nako eno, a re go a swabisa gore tiro e e bogolo jwa ya phetlho motlakase ya Morupule B,e bo e ne ya tswelela go fitlha e wediwa mme go sa lemogwe fa dilo dingwe di sa nna sentle. O ne a bua gape ka go shafadiwa ga tsela ya Sebina/Mulambakwena, mo a boletseng fa e le matlhabisa-ditlhong a magolo. A re, e re le mororo go dirwa ga tsela eo go ise go wele, e setse e bile e senyegile, selo se a supileng fa e le sekai sa fa kompone e e neng e abetswe tiro eo e dirile sogosogwane fela e e sa tlhokeng leitlho la moitseanape go lemoga fa e sa dirwa ka matsetseleko. Mo kgannyeng e nngwe, Rre Smarts o ne a ngongorega ka go jewa ntsoma ga Batswana ba ba thapilweng ke mabentlele mangwe a matona ga mmogo le dikompone tse di fang ditirelo tsa go disa dikago. A re Batswana ba ba dirang mo ditirong tseo, ba duelwa lemmenyana fela le e seng la sepe, le tota le ka se fetoleng matshelo a bone ka gope. Sebe sa phiri, Rre Smarts o supile fa e le go ipaa moriti o tsididi ga puso tebang le dikgang tsa mothale o. E ntse e le kwa phuthegong eo, moemedi wa UDC wa kgaolo ya botlhophi ya Tati Bophirima Rre Richard Gudu, o ngongoregile ka madi a a fiwang bagodi, a re a mannye thata mo ba ka sekeng ba itirele sepe se se kalo ka one. A re bone e le ba UDC ba dumela gore madi ao, a tshwanetse a okediwa go a lekalekana bogolo le a badiri ba lenaneo la Ipelegeng. Rre Gudu a re, go tlhabisa ditlhong gore e re le ntswa bagodi ba diretse lefatshe leno ka boineelo jo bogolo go le tlisa fa le leng teng, ba bo ba sa fiwe tlotlo e e tsamaalanang le seabe se ba nnileng le sone. A re, go a swabisa go bo diphathi dingwe tsa kganetso di dumela gore di ka fenya phathi e e busang di ikemetse ka nosi. Seo, Rre Gudu a re, ke ditoro fela tse di se kitlang di fetoga boammaaruri. A re, go tlhopha ope o sele e tla bo e le go ithala ka thipa mpeng, a supa fa bontlhopheng ba bangwe ba se mo seemong sa go ka fetola matshelo a batho ba kgaolo ya Tati Bophirima.BOPA society 9 Ga ba itumedisiwe ke tsamaiso Puso e ne ya tseya tshwetso ya go fa batho ba ba tlhokomelwang ke khansele dikarata tse mo go tsone ba tsenyetswang madi kgwedi le kgwedi go itshetsa ka one. Le fa go ntse jalo, go supagetse fa bontsi jwa badirisi ba dikarata tseo ba sa itumelele tsamaiso ya mabenkele mangwe a ba dirisang dikarata tseo go reka mo go one. Bangwe ba re beng ba dikgwebo dingwe ba a ba kgokgontsha ka dikarata tsa bone, mme bangwe ba patelediwe go dirisa madi otlhe a ba a tsenyetswang ka kgwedi. Ba re se se utlwisang botlhoko ke gore ba bona thuso morago, fa mongwe le mongwe yo o dirisang madi go reka a sena go thusiwa. Mo potsolotsong ka maitemogelo ao, mogolwane wa boipelego, Rre Nelson Elias, o supile fa dingongora tse di ise di goroge kwa go bone. A re ka nako ya fa dikarata tseo di simolodisiwa, botlhe ba ba amegang ba ne ba fiwa tshwanelo ya go dirisa madi a bone ka nako e ba eletsang ka yone, le go reka tse ba dumelang gore ba a di tlhoka ka nako eo. A re ba ile ba itemogela gore fa go rekwa dijo le melora gangwefela, o fitlhela dingwe di senyega ka gore di a bo di sa tlhokege ka nako eo. Rre Elias o ne a tlhagisa beng ba dikgwebo fa bareki ba dikarata tse ba tshwana fela le ba bangwe. A re e re le ntswa ba ise ba bone ope a tla go ikuela kwa go bone, ba tla tsaya matsapa a go ya go tlhola seemo mo badirising, mme fa ba ka fitlhela bonnete mo kgannyeng eo, ba tla patelesega go kgaoganya dipapadisanyo le beng ba dikgwebo tsa go nna jalo. BOPA society 9 Seemo sa metsi ga se robatse makhanselara Makhanselara a kgaolo potlana ya Letlhakeng a ngongorega ka seemo sa metsi kwa kgaolong eo. E rile ba bua kwa phuthegong ya khansele bosheng, ba supa fa khamphane ya metsi ya Water Utilities e kgaotse metsi kwa metseng ya bone, mme se se dire gore batho ba latele metsi kgakala. Mokhanselara wa kgaolo ya Takatokwane/Dutlwe, Rre Johane Gaosafelwe, o ne a supa fa a ne a kopile gore ba gokelelwe metsi kwa ditsheng tse disha tsa SHHA le kwa kgotleng ya Motlhware, mme ga go nko e tswang lemina. Mokhanselara wa kgaolo ya Moshaweng/Monwane, Rre Lekunutu Keorang, o ne a supa fa Monwane a kile a gokelwa dipompo di supa, mme e rile fa Water Utilities e simolola go tlhokomela tsamaiso ya metsi kwa dikgaolong, ya kgaola dipompo tse tharo, mme mo nakong ya gompieno go bereka dipompo di le pedi fela mo motseng. Mokhanselara wa kgaolo ya Ditshegwane/Maboane, Rre Tsabahule Kgotlang a re kokelwana ya Maboane e mo seemong se se sa kgatlheng. Fa Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Anderson Mathibe ene a rile balemisi ba tsaya nako go bala ditema tsa masimo, a kopa tlhaloso ya gore matsapa di a tsaya kae. Fa araba, mogolwane go tswa kwa khamphaneng ya metsi, Rre Kobamelo Letsatsi o ne a supa fa go ne ga kgaolwa dipompo tse di neng di le kwa ntle ga motse wa Monwane, tse di neng di tshabelelwa ke go thubiwa mme di senye metsi. Rre Letsatsi o supile fa tsamaiso ya go gokelwa ga metsi kwa ditsheng tse disha e dirwa ke dikomiti ya ditlhabololo tsa motse. O supile gape gore fa pompo e tswetswe ka mabaka a gore e kwa ntle ga motse, fa motse o godile ba ba amegang ba ka isa kopo ya bone gore pompo eo e bulwe. Molaodi wa kgaolo potlana ya Letlhakeng, Mme Ikgopoleng Lekwape, o ne a supa fa balemisi ba tsweletse ka go bala masimo, mme kgwetlho e tona e le go tlhoka dikoloi. O tlhalositse fa beng ba diterekere ba tsweletse ka go duelwa, mme sebe sa phiri e le gore maranyane a a dirisiwang go duela dituelo tsa mmuso a sa bereke sentle. society 9 Bana ba tlhoka bokaedi jwa batsadi Batsadi ba gwetlhilwe go tlhagafalela kgalemo ya bana go bopa bokamoso jwa bone. Kgothatso e, e dirilwe ke tona wa dipalamo le ditlhaeletsano, Rre Nonofo Molefhi mo phuthegong ya kgotla kwa Mookane mo kgaolong ya Legare bosheng. Rre Molefhi a re batsadi ga ba a tshwanela go lesa bana ba ba tswa ka phatlha tsa menwana ka bokamoso jwa bana bo le mo maruding a bone. O tlhalositse fa palamente e ntshitse molao o o neng o ntshafatsa molao wa 1981 wa tlhokomelo ya bana. Molao o wa tlhokomelo ya bana o laola gore fa ngwana yo o kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi a gana kgalemo ya motsadi, o ka ya kwa ofising ya boipelego go tlalea ngwana yoo, go supa fa ene a dirile maiteko a gagwe otlhe. Tona Molefhi a re ba boipelego ba ka tsisa ngwana yo fa pele ga lekgotla kana kwa ga mmakaseterata go ka kgalengwa. O ne a tlhalosa gore motsadi le ene o ka otlhaelwa go tlhoka go dira maiteko a go kgalema ngwana kgotsa a sa begele mmaboipelego fa maiteko a gagwe a sa tswa tema. “Fa a paletse kgalemo ya gago o bo o sa mo neele molao, re tsaya gore wena o le motsadi o itlhokomolosa boikarabelo jwa gago,” Rre Molefhi a tlhalosa. A re go botlhokwa go pataganela kgalemo ya bana le barutabana mme fa ba pala ba fetisediwe kwa go bommaboipelego. “Molao o teng re ka o dirisa go re thusa go aga tshaba.” O ne a tlatsa ka go re molao o gape o neela batsadi boikarabelo jwa go begela ba molao fa ba bona yo o bapileng le bone a itlhokomolosa tlhokomelo ya bana. Rre Molefhi, yo e bileng e le mopalamente wa Selebi Phikwe botlhaba, a re kwa kgaolong ya gagwe go na le dikgang tsa boimana jwa bana ba ba kwa dikoleng tse dipotlana le tse dikgolwane, e bile batsadi bangwe ba seka tebang le tsone dikgang tse. Bangwe ba batsadi ba, ke ba ba bipang mpa ka mabele. “Fa re sa otlhae batho ba, bokamoso jwa bana ba ke eng. Re le batsadi, re tshwanetse ra tsaya dikgato tse di maleba go sireletsa bana ba rona,” Tona Molefhi a tlhalosa. Rre Molefhi o ne a tsibogela matshwenyego a a neng a supiwa ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mookane, Rre Ditshegetso Pakwa. Rre Pakwa o ne a supile fa go na le bana bangwe kwa sekoleng se segolwane sa Mookane ba ba itirileng botlhogonkopa, ba botho jwa bone bo sa eletsegeng gotlhelele. BOKHUTLO society 9 Kgosi o kgala borre ba ba dirisang bana botlhaswa Kgosi Prince Obuseng wa Lecheng o kgadile a sa kgwe mathe borre ba ba santseng ba amega mo dikgannyeng tsa go dirisa bana botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo. Mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Obuseng o tlhalositse fa dikgang tsa tiriso ya bana ba ba kwa tlase ga dingwaga mo mererong ya tsa tlhakanelo dikobo di tshwenya. A re ke matlhabisa ditlhong gore e re borre ba tshwanetse go sireletsa bana, ba bo ba ba dira basadi e bile ba kgona go ba ntsha le mo dikoleng. “Kgang ya tiriso ya bana ba bannye mo go tsa tlhakanelo dikobo ke molato o o tshwanetseng wa tsewa ka tlhoafalo mme go a swabisa ka jaana bo mmabana ba le maoto a tshupa go bega dikgang tsa mofuta o kwa go ba ba maleba. Batsadi ba santse ba tlotlile go ja mme seo se dire gore ba tsenye matshelo a bana mo diphatseng,” a rialo Kgosi Obuseng. O supa gore bontsi jwa dikgang tse ba di itemogetseng e le bogosi ke gore bana ba dikole ba dirisiwa ke borre ba batona e bile bangwe ba bone ba na le malwapa ba nyetse. A re bana ba tsweletse ka go tswa mo dikoleng ntateng ya boimana mme a kopa batsadi gore ba seka ba ithela moriti o tsididi fela ba sa tseele borre ba ba imisitseng bana dikgato. A re seo ke matlhabisa ditlhong ka jaana ba senyetsa bana bokamoso mo boemong jwa gore e kabo e le bone ba rutang bana boitsholo jo bo siameng jo bo tlaa tsogang bo thusa go aga malwapa a bone le lefatshe leno. A re ene jaaka leloko la komiti ya borre ya khansele potlana ya Palapye, ngogola o dirile maiteko a go phutha borre go tswa mo motseng wa gagwe le kwa Malaka go tla go buisanya le bone ka dikgang tse kwa kgotleng mme seo sa thusa go fokotsa dikgang tse le fa go santse go na le matlhasedi a tsone. Le fa go ntse jalo, Kgosi a re o itumelela gore dititeo tsa bomme di ne tsa fokotsega mo motseng. Fa a latlhela tlhware legonnyana, Mokhanselara Charles Mabjeng o ne a supa fa bana e le teemane e e tsogang e belege lefatshe, ka jalo e tshwanelwa ke go babalelwa. O ne gape a re tshireletso ya ngwana wa mosetsana ga e a tshwanela go tsewa lolea ka jaana mosadi e le thari ya setshaba. Rre Mabjeng a re borre ba tshwanetse ba fetola maitshwaro a bone, a supa fa dipego tsa bosheng tsa dipolao tsa bomme go akarediwa le e e neng e bolelwa thata ya mme yo o bolailweng kwa Tlokweng a bo a kgaolwa tlhogo di tshwenya. Go ya ka mokhanselara, fa motsadi a amogela mephuthelwana e bana ba tlang ba e reketswe ke borre ba batona mo go bone, o a bo a dira setlhabelo ka ngwana wa gagwe. Mo dikgannyeng tse dingwe, boeteledipele jwa motse bo ne gape jwa ngongoregela go thujwa ga matlo le mabentlele mo motseng go utswiwa dijo le dithoto tse dingwe. Ba re banana ba tshwanetse ba leka thata go batla ditiro go na le gore ba ineelele bogodu jo e tlaa ba senyetsang bokamoso. Kgosi o ne a re gantsi go thubelwa go bona sengwe se se ka rekang dinno-tagi. A re botsadi le jone e kete bo rotloetsa mokgwa o ka jaana e setse o kare lelwapa lengwe le lengwe le rekisa nnotagi mo motseng le ntswa ba sena diteseletso. BOPA crime_law_and_justice 1 Khansele e weditse phuthego Khansele ya Bokone Botlhaba e weditse phuthego ya yone kgwedi eno e tlhola letsatsi, e sena go buisana ka megopolo e le supa le dipotso di le masome a mabedi le bone. Mo megopolong eo, e le meraro e ne ya amogelwa mme e le mebedi ya fetisediwa kwa komiting ya tsa madi ya khansele, fa e mengwe e le mebedi e ne ya boelwa morago. Mongwe wa megopolo e e ileng ya amogelwa ke wa mokhanselara wa kgaolwana ya Tshesebe, Rre Smarts Mathonsi o o neng o kopa khansele go laletsa lekalana le le phuthang makgetho go tla go buisa khansele go tlhalosetsa makhanselara ka dikgang tse di amanang le lekgetho. Rre Mathonsi o ne a supa fa a dule ka mogopolo oo morago ga go lemoga fa go na le bothata tebang le go tlhaloganya dikgang tsa go duela lekgetho, a tlatsa ka gore batho ka bontsi ga ba tlhaloganye dikgang tseo, a re ka jalo e tlaa re ba sena go tlhalosediwa ba nne mo maemong a a botoka go ka tlhalosetsa banni ba dikgaolo tsa bone. Fa a ema mokaulengwe wa gagwe nokeng mabapi le mogopolo oo, mokhanselara wa kgaolwana ya Themashanga, Rre Kudzani Tobokwani le ene fela jalo o ne a supa fa go na le dikgang tse dintsi tse di amang lekgetho mme ba sena kitso ka tsone. Mokhanselara Tobokwani o tsweletse a tlhalosa fa dilo di tshwana mela e meleele kwa diofising tsa lephata le le phuthang makgetho, e le dingwe tse ba tlhokang tlhaloso ka tsone, go itse gore matsapa di a tsaya kae. Makhanselara a Bokone Botlhaba ba ne gape ba amogela mogopolo o mongwe wa ga mokhanselara Mathonsi o o kopang khansele go laletsa mookamedi wa makgotla a Setswana go tla go tlhalosetsa khansele ka dikgang tse di amanang le tsamaiso ya makgotla a Setswana jaaka go tsholediwa ga dikgotla le dikgosi tse di mo makgotleng a Setswana. Fa a ntsha mogopolo oo, mokhanselara Mathonsi o ne a re o etse tlhoko gore go le gantsi ga ba nke ba bona ditlhaloso tse di tsepameng tebang le tsamaiso le go tlhatlosiwa ga dikgotla tsa Setswana. Mokhanselara wa kgaolwana ya Senyawe, Rre William Tatose o ne a supa fa mogopolo oo o tlhamaletse, ka jalo o tlhoka go fetisiwa jaaka o ntse. Mogopolo o mongwe o o amogetsweng ke wa mokhanselara wa Siviya, Rre Bakani Badziili o o kopang tona wa lephata la tlhokomelo tikologo, metsi le ditirelo tsa kgopho ya leswe go sekaseka go sa akaretsa ditsha tsa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse mo dituelong tsa teseletso ya tiriso ya lefatshe (lease). ENDS politics 7 Dirisang mananeo a ditlhabololo Modulasetilo wa khansele ya Legare, Rre Peter Williams, o gakolotse setshaba go dirisa mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone. O buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Bobonong bosheng. Rre Williams o supile fa puso e dirile mananeo a le mantsi jaaka la banana la Youth Development Fund (YDF), LIMID le nyeletso lehuma a a ka inolang Batswana mo lehumeng. A re boitseme le lefufa ke mangwe a matshwenyego a a itsang Batswana go tswelela kwa pele. Rre Williams a re ntswa puso e re ga e na madi ga e kake ya palelwa ke go thusa Batswana. A re bontsi jwa Batswana ba ikaegile ka puso gore e ba direle sengwe le sengwe a tlatsa ka gore bontsi jwa batswakwa ba dirile dikgwebo tse ditona tse di dirang madi e bile gape di ba tshetsa. O tsweletse a tlhalosa fa banana ba tsere mananeo a puso mme bontsi jwa bone ba palelwa ke go tsamaisa dikgwebo e bile gape dingwe tsa dikgwebo tseo di phutlhame. modulasetilo o gwethile banana go ema ka dinao go itirela ditiro e seng go ikaega ka Ipelegeng. A re e ne ya re bosheng, puso ya supa fa e tlaa fedisa dikgang tsa tlhaelo ya boroko jwa barutabana le dikgang tsa tlhaelo ya metsi ka ponyo ya leitlho. Rre Williams o tlhalositse gape fa puso e ikaeletse go baakanya seemo sa ditsela segolo jang tsela ya A1 le go atolosa dikokelo dingwe mo dikgaolong go fokotsa mosuke kwa dipateleng tse dikgolwane. O gakolotse baagi go dirisana sentle le makhanselara a tlatsa ka gore tiro ya makhanselara ke go dira ditlhabololo mo dikgaolong le go isa ditirelo tsa puso kwa bathong e seng go rwala dikgong kana dipitsa mo dintshong le go tsenelela merero ya manyalo. Fa a tswa la gagwe mothusa modulasetilo wa khansele ya Bobirwa Rre Sylvester Masweu o tlhalositse fa puso ya Botswana e dira go le gontsi go thusa batho ba yone. A re mo lefatsheng ka bophara ga go lefatshe lepe le le dirang jaaka lefatshe la Botswana a tlatsa ka go supa fa lenaneo le tshwana la LIMID le le botlhokwa thata mo go tlhabololeng matshelo a batho. Rre Masweu o gakolotse baagi go seka ba lebala makhanselara a pele ka ba dirile motheo o o siameng thata e bile o ka solegela dikokomane tse di tlang molemo. economy_business_and_finance 3 Go itlhatlhoba go botlhokwa Morago ga go lemoga fa bomme ba ba itsholofetseng ba le maoto a tshupa go itlhathobela bolwetsi jwa segajaja ba lephata la District Health Management Team mo Bobonong ba ne ba tshwara dithuto-puisano le baagi ba Mathathane go ba lemosa ka botlhokwa jwa go itlhatlhoba. Fa a bua kwa thuto-puisanong eo bosheng, mogolwane mo lekalaneng la District Health Management Team mo Bobonong Rre Mompati Marole o supile fa motse wa Mathathane o amilwe thata ke bolwetsi jwa segajaja ka o bapile le toropo ya Selibi Phikwe e e amilweng thata ke bolwetsi joo. Rre Marole o supile fa maikaelelo a thuto-puisano eo e le go rotoetsa baagi ba kgaolo eo segolojang bomme ba ba itsholofetseng go tsenelela lenaneo la thibelo mogare go tswa kwa go mma ngwana go ya kwa leseeng le le tlwaelesegileng ka (PMTCT) Prevention from Mother to Child Transmission. O tlhalositse fa dipalo tsa boimana mo kgaolong eo di ile kwa godimo mme a supa fa boimana jwa kgapetsakgapetsa bo ka dira gore bomme ba ba itsholofetseng ba fitlhelwe ka mogare. O kaile fa go itlhalhobela mogare go ka dira gore bomme ba ba itsholefetseng ba belege masea a a senang mogare. A re go belega masea a a senang mogare go ka dira gore mo isagong lefatshe la Botswana le fitlhelwe le na le tshaba e e senang mogare e bile e babalesegile. Rre Marole o gakolotse bomme go sala morago ditaelo tsa ba bongaka morago fa ba sena go itlhatlhobela mogare. O kaile fa ba botsogo ba dirile maiteko a go abela bomme ba batsetsi ba ba nang le mogare mashi a masea. Rre Marole o tlhalositse fa ditagi di tshwana bojalwa di dira gore dipalo tsa batho ba ba nang le mogare di oketsege ka jalo o kopile baagi ba kgaolo eo segolojang ba ba dirisang diribatsi tsa mogare go ikgapa mo bojalweng. O rotoeditse borre go dirisa mananeo a botsogo jaaka la go kgaola letlalo la bonna mo go babalesegileng a ba a ba kopa go fetola boitswaro jwa bone go itsa go anama ga mogare. BOKHUTLO health 6 Babereki ba abela House of Hope E rile bosheng babereki ba koporase ya motlakase ba lekalana la dithoto ba abela sekolo sa bana sa House of Hope dijo. Fa a ntsha mpho eo mo boemong jwa badiri ka ene, Mme Onkutule Hlabano a re babereki bao ba kgobokantse madi gore ere ngwaga o fela ba abele mongwe yo o tlhokileng lesego mme ba itlhophela sekolo sa bana sa House of Hope. A re mpho e, ga e tswe mo khamphaning mme e tswa mo dipateng tsa babereki ba maikaelelo a bone eleng go dira pharologanyo mo botshelong ja bana ba. O tsweletse a re se, se supa fa babereki ba kgathala ka setshaba se ba berekang mo go sone mme e bile ba ikamantse le pilara nngwe ya tebelopele ya 2016 ya tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala. A re keresemose ke nako e batho ba itumelang le ba malwapa a bone ka yone mme ba bone go le botlhokwa go ngathogana le sekolo seo dikatso tsa bone ka go ba rekela dijo. Fa a amogela mpho eo, mogokaganyi wa sekolo seo Rre Laone van Vuuren a re sekolo sa gagwe se ka dira botoka ka tshwaragano ya sone le setshaba, a bo a supa fa maikaelelo a bone ele go gokela maranyane a dikhomphuthara go ruta bana go tlhabolola thuto ya bone ba sa le babotlana. Mogolwane wa koporase eo, Mme Annah Moncho o lebogetse se badiri ba se dirileng, a bo a ba rotloetsa gore moono wa go aba o gole gore ba tswelele ba supa lerato. Mo godimo ga dijo, bodiredi bo ile jwa penta lefelo le bana ba tshamekang mo go lone. Fa a bua mo boemong jwa bogosi, Kgosi Molatedi Lebang o lebogetse lerato le kutlwelo botlhoko tse di supilweng ke bodiredi joo. A re bontsi ja bana ba sekolo se ba tswa mo diemong tse di thata jalo ba tlhokana le kemonokeng gore e tsoge e nna baeteledipele ba motia.BOKHUTLO society 9 Sepatela sa palapye se abelwa dikobo Dikereke tsa New Jerusalem, Bethlehem Faith Mission le ya AB FGAC di supile mowa wa kutlwelobotlhoko le bopelotlhomogi ka go abela sepatela sa Palapye dikobo di le masome a mararo. Fa a bua kwa kabo dimphong eo mo boemong jwa dikereke tse, Moruti Osego Seokomela o boletse fa ba ne ba bona go le maleba go ikopanya e le dikereke tse tharo go rekela balwetse ba ba robaditsweng kwa sepateleng dikobo, segolo bogolo mo pakeng e ya mariga. Moruti Seokomela o tlhalositse fa lorato lwa Modimo ga mmogo le mowa wa kutlwelobotlhoko e le tsone di ba gwetlhileng go dira se ka lefoko la Modimo le re go sego ba ba kutlwelo botlhoko gonne ba tlaa utlwelwa botlhoko le gore motho o tshwanetse go direla ba bangwe jaaka a batla ba mo direla. Modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye Rre Onnetse Ramogapi yo e neng e le sebui sa tlotla o boletse fa go itumedisa go bona bangwe ba Batswana ba eme ka dinao go tsenya letsogo mo letshegong la Tebelopele ya Setshaba ya 2016 la go nna tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala. Rre Ramogapi o tsweletse a supa fa Modimo o itumelela se se dirilweng ke dikereke tse ka baebele le yone e rurifatsa ka mowa wa kutlwelobotlhoko. O tlhalositse fa e le maikarabelo a Motswana mongwe le mongwe go ipotsa gore seabe sa gagwe ke eng mo tebelo peleng ya lefatshe ka go setse dingwaga di le pedi fela gore go tsenwe mo ngwageng wa 2016. A re nako e gorogile ya gore Batswana ba tlogele go nna ba botsa gore lefatshe le ba diretse eng mme ba ipotse gore bone ba diretse lefatshe la bone eng. Fa a ntsha malebo moeteledipele wa sepatela sa Palapye Dr Gobusaone Morupisi o boletse fa ba lebogela se se dirilweng ke dikereke tse ka balwetse ba tlaa dika ba sa bolawe ke serame. O boletse fa go itumedisa go bona fa lorato lo go rutiwang ka lone kwa dikerekeng lo sa felele fela teng mme o diragadiwa le kwa ntle mo setshabeng. E ne ya re morago ga kabo dimpho ga tsamaiwa go tlholwa balwetse ba ba robaditsweng mo sepateleng ba bo ba bewa fa pele ga ga ramasedi ka dithapelo. Bokhutlo religion_and_belief 8 Temo ya nosetso e ka tsosolosa Selebi Phikwe Mopalamente wa Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila, e rile bosheng a lekola dikago tse di agiwang ka lenaneo la go rudisa itsholelo (ESP) le tsa madi a ditlhabolo tsa dikgaolo. Ditlhabololo tseo di akaretsa matlo a borutelo a dikolo tse dipotlana tsa Mmadinare, kago ya matlo a sepodisi le matlo a boroko a barutabana. Dingwe tsa ditlhabololo tse di neng di dirwa ka madi a dikgaolo ke kago ya loobo le go solofetsweng gore le bo le fedile ka kgwedi ya Phukwi. Kago ya motlobo wa dibuka yone e setse e fedile, mme e mo seemong sa go rolelwa morafe, fa maobo a dikgotlana tse thataro tsa Mmadinare, one a setse a le mo tirisong, ga mmogo le lefelo le le tsadisetsang ditlhapi. E rile a tsibogela ka fa ditlhabololo di tsamayang ka teng, Mopalamente Mzwinila, yo gape e leng tona wa lephata la tsamaiso merero ya lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopho leswe, a tlhalosa fa a itumelela ka fa a bonang dikonteraka di tshwereng tiro ka teng. A re bontsi jwa bone ba kgonne go wetsa tiro ka nako e e dumalanweng. Rre Mzwinila a re ESP le madi a dikgaolo a dirile gore ditlhabololo di dirwe ka bontsi kwa motseng oo, a supa fa go le motlhofo ka banni e le bone ba tshwanetseng go itseela ditshwetso gore ba batla go dira eng ka madi a kgaolo ya bone. Rre Mzwinila o supile gape fa lephata la tlhabololo banana,metshameko le ngwao, le le mo lenaneong la go aga lebala la metshameko. O ne a supa fa ba solofetse gore e re ka kgwedi ya seetebosigo kago ya lebala la metshameko la P5 million e bo e simolola. economy_business_and_finance 3 Merafhe o bolokilwe Matshwititshwiti a batho go tsweng ntlheng tsotlhe tsa lefatshe go balelwa le Tautona Lt. Gen Seretse Khama Ian Khama ba ne ba tshologetse phitlho ya ga mothusa tautona wa pele Lt Gen. Mompati Merafhe kwa Serowe ka Matlhatso. Dibui ka go farologana di kaile Lt Gen. Merafhe e ne e le moeteledipele wa tlhwatlhwa yo o diretseng lefatshe leno ka botswapelo le bonokopila.Go ya ka ba lwapa la gagwe, Lt Gen. Merafhe e ne e le motho yo o lebole e bile a tsaya mongwe le mongwe ka tekatekanyo. Rre Maipelo Tshobo yo o kaileng e le malomaagwe Lt Gen. Merafhe, o supile fa a ne a rata bomalomaagwe a sa rate go ka ba katoga, a tlatsa ka gore le lenyalo la gagwe le ne la reriwa mo lwapeng ke bo malomaagwe mme a nyala Setswana. Rre Tshobo a re Lt Gen. Merafhe e ne e le motho yo o botlhale thata mo a neng a kile a mo makatsa gore o itse go palama pitse a santse a berekela kwa Lobatse, selo se ba neng ba sa se tlwaela kwa gae mo Serowe. O kaile gape fa Lt. Gen Merafhe a ne a rata go bala, mme e bile a ne a rata go nna a le nosi ka fa tlase ga setlhare a bala dibuka tsa gagwe, a tlhalosa gore padi e ya gagwe e dirile gore e nne se a tlhokafalang e le sone. O ne a rata go rongwa, go sena tiro epe e e mo palelang e bile a ikaya fa ene e se ‘sekopa’ lefoko le a neng a rata go le dirisa, a re ene o botlhale. Rre Tshobo o tlhalositse gape gore Lt. Gen Merafhe e ne e le motho yo o ratang kagiso a rata go kopanya batho. “O ne a kopantse Batalaote le Bathene mme botlhe ba le seopo sengwe ka ntlha ya ga Lt. Gen Merafhe, le Batalaote ba kwa motseng wa Mmutlane tota” a tlhalosa. A re Lt. Gen Merafhe e ne e le motho yo o lorato, a le senatla, mo a neng e re fa a tshwere tiro a bo a batla go ntsha maduo a a bonalang mme a e amogana le batho a sa ikgagapelele. O ne a tlhalosa fa lorato lwa ga Lt. Gen Merafhe e le ka lone matshwititshwiti a tsileng go mo felegetsa a wets a ka seane sa “Kgobakgoba ya ikgobokanyetsa fa phatlaphatla e iphatlalaletsa. Fa ba bua ka botshelo jwa ga Lt. Gen Merafhe mo go tsa sepolotiki Rre Joseph Molefe Le Rre Kgotla Autlwetse ba ne ba supa fa e ne e le motho yo o tlhaga e bile a rata tiro e e tswang maduo. Rre Molefe yo e leng mopalaamente wa Mahalapye East o ne a tlhalosa ka fa banni ba motse oo ba ileng ba itumela ka teng gore le bone ba na le seabe mo moemeding yo wa bone wa pele. Bangwe ba dibui ba ne ba akaretsa tsala ya gagwe Rre Keahe Ramotswiri, Rre Julius Mazweduma le moagisanyi Rre Olebile Gaborone ba botlhe ba supileng fa Lt. Gen Merafhe a nnile le seabe mo matshelong a bone le ene mo botshelong ja gagwe. BOKHUTLO society 9 Meamuso ke ya tshaba yotlhe Tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Eric Molale o gwetlhile makhanselara a bokone bophirma go bereka ba le seopo sengwe le ntswa ba farologana ka diphathi. A re ba tshwanetse ba eteletsa dikeletseo tsa batlhophi kwa pele ka jaana e le bone ba ba fileng boikarabelo jwa go ba direla. Tona o buile jalo kwa ithutuntshong ya makhanselara, a re ba tlhaloganye gore nako ya go ngatana ka mafoko e fetile mme go tsene ya go direla setshaba. A re ba itse fa meamuso ya lefatshe leno e le ya botlhe, ka jalo ba rwele boikarabelo jwa go netefatsa gore batlhophi ba bona ditlamelo le ditirelo tse di maleba. Rre Molale a re ba diragatse maitlamo a bone fa ba ipapatsa ka jaana ba ne ba solofetsa batlhophi gore ba tlaa tlhabolola le go tokafatsa matshelo a bone A re o itumeletse gore a bo a tlhophilwe go nna tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magage ka jaana a tsile go bereka le bone ka mowa o le mongwe. A re o tsile go rurifatsa gore tsotlhe tse ba di solofeditseng batlhophi di a dirwa jaaka go bula diphatlha tsa mebereko, go dira ditlhabololo le gone go diragatsa mananeo a puso ka maikaelelo a go tokafatsa matshelo a batho mo gae. Rre Molale o tlhalositse fa ba ikaelela go netefatsa gore sepe se se dirwang se salwa morago gore se dirwe sentle. A re ba tsile go simolodisa tsamaiso ya go sekaseka gore ditiro tsa puso di dirwa ka fa go tshwanetseng ka teng. A re tiro eo e tlaa nna mo maruding a dikgosi, dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse le dikomiti tse dingwe tse di lebaneng. Mogopolo oo a re o santse o tlaa rerisiwa dikhansele tsotlhe ka a dumela fa o siametse botlhe. Mokhanselara wa Sedie Rre Galebine Kaukapita o ne a leboga gore Rre Molale o tlhaloganya tsamaiso ya lephata ka a kile a bereka ka lebaka mo go lone. O tsweletse a re ba eletsa go isa kgaolo go lo gongwe, mme a re ba ka dira jalo fela fa tona a ka baema nokeng mo go tse ba batlang go di dira. Rre Kaukapita o boletse fa makhanselara a le malalaalaotswe go diragatsa thomo ya khansele. politics 7 Ba thothomisa ditiragalo Mapodisi a Werda a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone basimane bangwe ba babedi ba tlhakanetseng dikobo le ngwana yo o kwa tlase ga dingwaga kwa Kokotsha mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa. Go ya ka mookamela mapodisi a Werda,Superintendent Mompoloki Ramatsia mo potsolosong le BOPA, tiragalo e diragetse kgwedi e e fetileng e le masome a mararo. Spt Ramatsia o tlhalosa fa basimane bao ba ne ba fitlhela mosetsana yoo kwa ga malomaagwe, ba feta ba mo phamola ba mo gogela kwa sekgweng kwa ba fetileng ba tlhakanela dikobo le ene. Rapodisi o boletse gore basimane bao, ba ba dingwaga tse di lesome le botlhano le lesome le borataro ba tlaa lebisiwa molato wa go tlhakanela dikobo le ngwana yo o kwa tlase ga dingwaga. Le fa go ntse jalo, o boletse fa ngwaga o mosha o gorositswe sentle ka boitumelo le kagiso kwa Werda le metse e e mabapi. E re dikgang di eme jalo, motshwarelela Ramapodisi a Middlepits, Inspector Mokwaledi Ntoka o boletse fa ba tshegeditse lekawana la dingwaga tse di masome mabedi le bobedi mabapi le matshosetsi a polao. Inspector Ntoka a re lekawana leo le ne la alola rraagwe wa dingwaga tse di masome mane le boraro ka koloi kwa morakeng mongwe gaufi le Khawa ka letsatsi la ngwaga o mosha morago ga go tlhoka kutlwisisanyo. A re e tlaa re mo bogaufing lekawana leo le ipege fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata mo Tsabong go lebisiwa molato wa motshosetsi a polao. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Ga-e-golelwe e botlhokwa Sekole sa thuto ga e golelwe se mosola mo matshelong a batho bogolo jang ba metse e e kgakala le ditlamelo. Mo potsolotsong le moithuti wa sekole seo kwa Gumare, Rre Babui Batshabeng o boletse fa a ne a sa itse go bala le go kwala leina la gagwe mme e rile a tsena kwa Thuto ga e golelwe a rutiwa jaaka ngwana yo monnye go fitlhelela a tshwara. A re se se fetotse botshelo jwa gagwe ka jaana mo nakong eno o itse go bala le go kwala. O tsweletse a re pele a tsena sekole se o ne a tshela ka go tsaya mafisa mo bathong a palelwa ke go batla tiro e tshwana le ya Ipelegeng ka a ne a sa itse go bala le go kwala. Rre Batshabeng yo o dingwaga di masome mane le botlhano o boletse gore mo nakong eno o setse a na le bokgoni jwa go ipalela le go dirisa mogala wa letheka go romelela ba masika le ditsala melaetsa ntle le thuso epe. A re o na le dikgomo tse nne mme e bile o kgona go ipalela ditaelo tsa go di kenta fa go tlhokafala. O boletse fa maikaelelo a gagwe ele go ipona a weditse lekwalo la bosupa a bo a ya go simolola mophato wa ntlha le ba BOCODOL. A re o itumelela gore sekole se tsena motshegare mme motho o kgona go dira ditiro tsa mo gae mo mosong le mo maitseboeng. Rre Batshabeng a re o tiisitswe moko ke go bona bagolo ba tsena thuto ga e golelwe ka dipalo tse di kwa godimo. A re nako e tsile ya gore ba ba tlhokileng lesego kwa dithutong tsa bone ba tsene sekole seo ka thuto e le botlhokwa fela thata mo botshelong jwa gompieno. A re ga ba rutiwe go bala le go kwala fela mme ba rutiwa gape le ditiro tsa diatla di tshwana le go betla, selo se a reng se mo itumedisa le go feta. Mme Napemba Masule yo le ene e leng moithuti kwa Thuto ga e golelwe, a re sekole se se mo rutile fela thata ka le ene a ne a sa itse go bala le go kwala mme mo nakong eno a itse le go dirisa khomputhara tota. A re o etela motlobo wa dibuka wa motse gangwe le gape go dirisa dikhomphuthara. Mme Napemba a re o lebogela puso go bo e tshwere ka thata go netefatsa gore e diragatsa maitlamo a yone a tebelopele ya go aga tshaba e e rutegileng ka 2016 ka go netefatsa gore bagolo le bone ba akola thuto. education 4 Mogokgo o lebogela mpho ya ditlhako Mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Seboko kwa Ramotswa, Mme Tiego Botlhole, a re ba lemoga fa go na letlhoko mo baneng bangwe ba sekolo seo, mme ba kopa mo dikhamphaning go ba thusa ka paka ya sekolo bogolo jang ditlhako. O buile se mo kabong dimpho e e neng e dirwa ke khamphani ya BENWELL le baithaopi bangwe, ba ba neng ba abela bana ba sekolo seo paka ya sekolo le ditlhako. O ne a bolela fa ba ne ba bona go le botoka gore ba bitse batsadi go tla go bona se se diragalang, gore ba seka ba gakgamala gore go diragala eng kwa sekolong. Mme Botlhole o boletse fa mo sekolong seo, ba batla go ntsha bana ba ba nang le boikarabelo, ke sone se ba kgathalang ka tebego ya bone, le gone go latedisa gore ba dira jang fa ba le kwa dikoleng tse dikgolwane. O kaile gore fa ngwana a tshwaraganelwang teng go nna monate, le ngwana a tlhwaafalela dithuto. Mongwe wa baithaopi Rre Moeti Joel, o ne a supa fa ba ne ba lemoga fa go na le letlhoko mo baneng ba sekolo, fa ba ne ba abela bana ba sekolo sa Borakalalo ba ba neng ba tlhoka ditlhako ba le lekgolo le masome a marataro. O boletse fa go ithaopa ga bone go simolotswe ke mme Chandapiwa Baputaki ka go abela bana ba sekolo sa Lesirane ditlhako ba le babedi, mme go tloga foo a kopiwa ke dikolo ka go farologana go ba thusa. O boletse fa Mme Baputaki a ne a laletsa Batswana ka ene go mo thusa, mme a ne kopa gore baithaopi ba reke ditlhako eseng go tlisa madi. O boletse fa ba setse ba thusitse bana ba dikolo di le mmalwa jaaka tsa Nkange, Bobonong le Seboko, mme ba le mo thulaganyong ya go abela ba Maitenngwe Rre Joel o boletse fa tiro e e se motlhofo ka ba thusiwa ke Batswana ba ba tswang khutlong tse nne tsa lefatshe. Rre Tshiamo Molobi wa kompone ya Benwell, o ne a supa fa a bonye fa go na le letlhoko mo baneng, mme a seegela madi a P10-000 kwa thoko ngwaga le ngwaga, go thusa bao ba ba tlhokang. O tlhalositse fa a setse a thusitse bangwe Batswana ba ba neng ba na le letlhoko jaaka ba-na-le bogole ba sekolo sa Ramotswa Secondary, ba ba neng ba na le letlhoko la dikobo, o kaile fa kgatlhego ya gagwe e le mo baneng. Erile a fa malebogo Kgosi Tsimane Mokgosi, a bolela fa a lebogela baithaopi bao go fa ba ba tlhokileng lesego, mme a supa fa a tshwenngwa ke batho ba e reng fa ba abela batlhoki, ba bo ba batla gore lefatshe le itse lotlhe gore ba a aba. O boletse fa dimpho tse di le botlhokwa ka di abilwe ka letsatsi la ngwana wa Mo- Afrika. O kopile bana bao go tshwara dilwana tseo sentle le go di dirisa ka nako e e tshwanetseng. BOKHUTLO education 4 Moruti o kopa Batswana go ipabalela Moruti o kopa Batswana go ipabalela Moruti wa kereke ya Zion Christian Church mo Kanye Rre Sekhosana Tebogo o kopile Batswana gore ba ipabalele ka go obamela ditaelo tse ba di fiwang ke ba botsogo mabapi le go thibela kanamo ya bolwetsi jwa COVID-19 jo bo tsentseng lefatshe lotlhe tsebetsebe. Moruti Tebogo o ne a bua jalo mo potsolosong le BOPA ka Mosupologo, Moranang 06 mo Kanye. A re go sala ditaelo morago go ka tlhofofaletsa puso morwalo wa go thibela kanamo ya bolwetsi joo, a tlhalosa fa bo jwelela kwa mafatsheng a mangwe kantlha ya gore bangwe ba itlhokomolosa ditaelo tsa thibelo jaaka go fokotsa mesepele ee seng botlhokwa. Moruti Tebogo are o gwetlhilwe ke temana nngwe ya Baebele ya Ezekiele 33 ee reng fa motho a bona tshaka e lebanye ba gagabo a ba tlhagise e sere gongwe madi a bone a tloga a lopiwa mo tlhogong ya gagwe. A re le o bona go tshwanela go dira tlhagiso eo ka ga a batle gore madi a sechaba a tloge a lopiwe mo tlhogong ya gagwe. A re ele kereke ya ZCC ba gata-mmogo le puso mo maitekong a go lwantsha le go thibela kanamo ya bolwetsi jo. O ne a lebogela puso go bo e tsibogetse bolwetsi jo nako e sale teng, a re go dira jalo go tlaa ba tswela mosola. BOKHUTLO Source:Author:Location:Date:more news »Main LinksNetworksSocial NetworkUseful LinksServicesContacts health 6 Ba Gweta ba itumelela motlobo wa dibuka Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Gweta Rre Ledule Baraki o supile fa tiriso ya motlobo wa dibuka mo motseng e nametsa. Rre Baraki o buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng, mme a re go a itumedisa go bona banni bangwe ba motse, bogolo thata banana ba supa kgatlhego tebang le go dirisa motlobo wa dibuka ka tsela e e ba sologelang molemo. A re le fa bangwe banana ba tsweletse ka go inaakanya le go amega mo ditirong tsa botlhoka tsebe di akaretsa go itshiela bojalwa le tse dingwe, bangwe bone ba tsweletse ka go dirisa motlobo go ikgapha. Rre Baraki a re bangwe banana ba nna ba etela motlobo wa dibuka, mme ba supa fa o ba sologela molemo.A re ba tlhalosa fa ba oketsa kitso ya bone ka go bala dikuranta gape ba etla ba batla ditiro mo go tsone, e bile gape ba ithuta le gone go dirisa dikhomputara. Go sa le foo, Rre Baraki a re motlobo o wa dibuka, sepatela, dikokelwana tse nne go ralala motse, tsela e e kgaphilweng e e ba kopanyang le metse e mengwe le tse dingwe ditlhabololo tse di tsweletseng ka go goroga mo motseng ba a di anaanela. A re ditlhabololo tse di dira pharologanyo e e bonalang gape di fetotse tebego ya motse, a bo a tlatsa ka gore ditlhabololo tse di gorositse dingwe ditlamelo ka go farologana mo motseng, mme jaanong se se raya gore banni ba bona dingwe ditirelo gaufi le bone. Mo go tse dingwe, Rre Baraki a re motse wa Gweta o santse o lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya metswedi e e ka tlhamelang banana ditiro tsa sennela ruri. A re seemo se se felela se dira gore banana ba ikwadisetse go tsena lenaneo la Ipelegeng ka dipalo tse di ko godimo. Rre Baraki a re le fa bontsi jwa banana ba supile kgatlhego tebang le go ikopela dithuso tsa madi a banana go itirela dikgwebo ka go farologana ka mabaka a go leka go itlhamela mebereko, se se amang ke gore ke palo e se kae fela e e atlegileng. Modulasetilo o bile a supa fa bangwe ba tsaya lobaka go busetswa phetolo ka dikopo tsa bone. BOKHUTLO education 4 Ditiro tsa nakwana di seka tsa tsewa lolea Modulasetilo komiti ya ditlhabololo ya Tutume Rre Ronald Samu a re ditiro tsotlhe go balelwa letsa nakwana di botlhokwa jalo di tshwanetse go tsewa tsia tsotlhe. Rre Samu a re tikologo ya tiro e tswanetse go nna le seriti, babereki ba boife le go ikobelana ka go tlhatlologana ga maemo a bone a re go senneng jalo tiro gae kake ya tswelela sentle. Modulasetilo o ne a gatelela ntlha e e reng a ditiro tsa nakwana le tsone di tsewe ka tlhwaafalo go tiisitswe moko. O ne a bua ka ditiro di tshwana le mananeo a Ipelegeng, Tirelo Setshaba le a mangwe fela jalo a nama o sa tshwere. A re fela jaaka tiro ya sennela ruri ditiro tsa nakwana di na le melao le mokgwa o di dirwang ka one. Modulasetilo o ne a ntsha matshwenyego tebang le go tlhaediwa matlho ga ditiro tseo. O ne a nankola diemo di tshwana le go tlhokela boeteledipele tsebe ga babereki. A re seo ga se jese di welang ka se baya boeteledipele ka fa mosing. O ne a tswelela ka gore lenyatso ke segai se se ntlha pedi, a re fa mmereki a nyatsa moeteledipele wa gagwe seo se baya tiro ya gagwe mo diphatseng, go sa le foo le moeteledipele o kgona go tlelwa ke itlhobogo mo tirong a ipona e se moeteledipele yo o rileng. A re lenyatso le busetsa tiro kwa morago. Modulasetilo o ne a kaya fa ba na le ditiro di le mmalwa tse ba di kgonneng ka tsone ditiro tsa nama o sa tshwere segolo bogolo ka lenaneo la Ipelegeng, o ne a tswelela ka gore mme ba eletsa thata go ka bona go tla ka tse dingwe go tiisa le go tsholetsa motse wa bone. O ne a tlatsa ka gore, mme seo se ka direga fela fa go na le tirisano mmogo ga re ga badiri le bathapi. A re fa seo se retela ditlhabololo di tlaa pala go goroga mo bathong le ntswa puso e thusa metse yotlhe mo Botswana. Rre Samu o ne a bua ka go tlhoka didirisiwa e le nngwe tsela e e busetsang tiro kwa morago, a re go sa le foo mo dipakeng tse dingwe babereki ba patelesega go ikadima tsa bone kwa gae gore ba leke go tsweledisa tiro a re mme fela fa di senyega go bowa go busetsa bone babereki kwa morago. A re se sengwe se se ba diitsang e le boeteledipele ke boitseme jwa babereki sa bone e le go tsaya ditlotlo ba sa dire ka natla. O ne a tlhalosa gore mme mo go tsibogeleng mangwe a matshwenyego ao ba leka ntlha tsotlhe le go tswa ko go ba bogosi. Modulasetilo o ne a re ba dira seo gore magosi a bue ka lentswe le le tsholetsegileng ka bomosula jwa go nna tlhaga le maikemisetso mo tirong. O ne a tlhalosa gore nako ke selo se se botlhokwa ka dinako tsotlhe babereki ba tshwanetse go itse gore e salwa morago e bile e a obamelwa eseng go itirelwa boithatelo mo go tlaa feletsang go baka gore ditiro di tlogelwe ke nako. Fa a mo tswa kgaba Mme Gosalamang Baliki o ne a tlhalosa gore ditiro tsa nama o sa tshwere di boloka matshelo a Batswana, fa a bua a remeletse mo bananengo ne a re ke selo se sentle ka jaanong seo se ya go ba kgapha mo methaleng ya bosula le timelo. O ne a re ditiro tsa Ipelegeng di tsisa pharologanyo mo motseng le mo matshelong a batho. Mme Baliki yo e leng mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo o ne a re go a itumedisa fela thata ka maiteko a bone a tlogela motlhala o o bonalang. A re dipaakanyo di tshwana le tsa mebila e e yang masimo e atlega ka maemo a a nametsang. O ne a re modi wa go tshegetsa tiro ya sennela ruri ke fa go na le kutlwano mo tshabeng. Fa a rotloetsa ba bangwe o ne a fa bokao ka lenaneo la Tirelo Setshaba gore le thusa thata mo dikoleng seo se thuse masea a mo dikoleng go tlhatlosa maduo. O ne a re puso ya Botswana e itse go belega tshaba ya yone. society 9 Kgosi Morwaanare o tlhokafetse Kgosi Stephen Morwaanare wa Ditshegwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng o tlhokafetse. Kgosi Itsoseng Gaoonwe wa Letlhakeng o boleletse banni ba Ditshegwane mo phuthegong fa Kgosi Morwaanare a tlhokafetse Phukwi a le lesome le bone mme a tlaa bolokwa ka Phukwi a le masome mabedi le bongwe. Kgosi Gaoonwe o kopile banni go nna ka kagiso jaaka moriti wa setlhare se ba neng ba se ntse o tlogile. A re phuthego ya ga Kgosi Kgolo wa Bakwena, Kgosi Kgari III e e neng e tshwanetse go nna kgwedi eno e le masome a mabedi le botlhano e tlosolositswe ntateng ya tiragalo e. Kgosi Morwaanare o tsene mo setilong sa bogosi Tlhakole a rogwa ka ngwaga wa 1992. O tlogela mosadi le bana. society 9 Mosetsanyana wa dingwaga tse tharo o beteletswe – Kgosi Sibangani Mosojane wa Mosojane a re o tshwenngwa ke dikgogakgogano tsa bogosi tse di diragalang mo kgaolong ya Bokone Botlhaba. Mo potsolotsong le A re bontsi jwa tsone di diragala thata fa go tla nako ya peo ya kgosi. O tlhalositse fa di sa tshwanela go diragala ka go na le bogogi jo bo eteletseng matlo a bogosi pele, ba ba itseng tsamaiso yotlhe e bile ba na le lesedi gore bogosi bo tsamaya jang. Kgosi Mosojane a re go lwela bogosi go tlhabisa ditlhong ka go supa fa ba ntlo ya bogosi ba sa dire tiro ka boammaruri. A re bogologolo go ne go sena dintwa tsa bogosi ka dikgosi di ne di sa duelwe. A re dikgang tsa mofuta o, di diela morafe nako ya go godisa metse, a tlatsa ka go re gantsi kgosi yo o tlhomilweng ka medumo le dikgogakgogano o felela e sena seriti e bile a sa tlotlwe. E rile a sedimosa ka dikgogakgogano tse di tsweletseng ka bogosi jwa Ditladi, Kgosi Mosojane o supa fa se se supa boitseme, go tlhoka nnete le tirisanyo mmogo magareng ga maloko a ntlo ya bogosi. Kgosi Mosojane a re o eletsa gore tsamaiso ya bogosi jwa kgaolo ya Bokone Botlhaba e tokafale, a ikuela mo malokong a matlo a bogosi go dirisana le dikgosi le go di fa bogakolodi. A re kgosi a seka a bereka le maloko a komiti ya ditlhabololo tsa metse fela. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Rutang bana-le-bogole Mokwaledi kwa ofising ya mopalamente wa Tswapong Bokone, Rre Ookame Modikwa, o kopile maphata a a lebanyeng go ruta bana-le-bogole ka mananeo le dithuso tse puso e di ba diretseng. A re puso e dirile mananeo a le mantsi a a itebagantseng le bana-le-bogole, ka jalo, ba tshwanetse go a tsenelela ka bontsi go itshetsa. Rre Modikwa o ne a bua jalo kwa segopotsong sa letsatsi la mafatshe la bana-le-bogole kwa motseng wa Seolwane bosheng. A re puso e leka ka bojotlhe go rotloetsa bana-le-bogole, mme fela ka fa bangwe ba akanyang kana ba dirang ka teng go tla folodisa maiteko ao. A re ope yo o tshelang ka bogole o tshwanetse go itsiwe, e seng gore a bo a fitlhiwa; gore a tle a bone thuso jaaka mongwe le mongwe fa a e tlhoka. Mokwaledi kwa ofising ya ga mopalamente o kopile setshaba go emisa mokgwa wa go fitlha bana-le-bogole ka kwa morago ga matlo le kwa masimo. A re bana-le-bogole ba na le ditshwanelo fela jaaka batho botlhe. Rre Modikwa a re bana-le-bogole ga ba a tshwanelwa go kgokgontshiwa mme ba tshwanetse go sirelediwa le go fiwa lerato le tlhokomelo e e tseneletseng. Ka jalo, o ne a kopa batsadi le ba masika, ba ba nnang le bana baba amilweng ke bogole bope go ba isa dikoleng gore ba ithute botsipa jwa go itshetsa. Ntlheng e nngwe, o ne a kopa bana-le-bogole go se ipone tsapa go ka bua ka mathata a a ba lebaganeng le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone. Modulasetilo wa bana-le-bogole kwa motseng wa Seolwane, Mme Keleapere Gaontebale, o ne a galaletsa puso ka mananeo a e a dirileng go rotloetsa bana-le-bogole. A re metlha ga se ya maloba e bana-le-bogole ba neng ba sa akarediwe mo mananeong ape. BOKHUTLO education 4 UCCSA e abela ngwana wa sekole Kereke ya UCCSA kwa Molepolole e sa tswa go supa mowa wa bopelotlhomogi le lerato ka go abela ngwana mongwe wa sekole se sebotlana sa Boribamo ditsompelo tsa terata ka letsatsi la Tlhatlogo ya Morena. E rile a aba dimpho tseo, modulasetilo wa dikhwaere tsa kgaolo ya Kolobeng, Mme Setsha Keetshabe a re e le kereke ba dumela gore tumelo e tshwanetse ya itshupa ka ditiro, ka jalo ba bone go le maleba gore ba ise tebogo kwa Modimong ka go abela ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. Mme Keetshabe a re ka Tlhakole ba ne ba tshwara dikgaisanyo tsa dikhwaere, mme ba dumalana gore madi a ba a kgobokantseng ba a dirise mo ditirong tsa bopelotlhomogi. Ka jalo ba utlwalela selelo sa sekole sa Boribano, se se neng se le mo letsholong la go batlela ngwana wa bone dithuso tsa bongaka, morago ga gore go lemogwe gore o lwala diphilo. A re ka jalo ba ne ba ikopanya le bagolwane ba sekole seo mme ba ba tshepisa gore ba tlaa ba thusa ka go ba rekela didirisiwa tsa terata tsotlhe tsa P5 000 tse di tlaa agelelang setsha se ngwana yoo a tlaa nnang mo go sone. Mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto kwa moding, Mme Thuso Mothibiwatsone o lebogetse kereke eo go bo e supile bopelotlhomogi le lerato ka go tsaya boikarabelo jwa go fetola matshelo. Mme Mothibiwatsone a re seo ke sesupo sa gore kereke e kgathala ka matshelo a batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. A re e le ba lephata la thuto ba ne ba tshwaragana le sekole sa Boribamo mo go batleng setsha se sesha sa bonno ka gore ba bongaka ba ne ba tlhalositse gore ba eletsa gore ngwana yo, a nne mo lefelong le le babalesegileng fa a tswa go dirwa learo kwa India morago ga dikgwedi tse tharo tse di latelang. Mogokgo wa sekolo seo, Mme Setabogi Segadimo o lebogetse dimpho tseo tsa terata ga mmogo le madi a mofago wa ngwana. A re e le sekole ba ne ba lemoga gore mongwe wa baithuti e bong Kebareng Mootso, mosetsana wa dingwaga tse di lesome le botlhano o bokoa mo mmeleng, mme ba ikopanya le ba bongaka e le sekole kwa go fetilweng ga lemogwa gore ka nnete ngwana yo o na le bolwetse jwa diphilo. Mme Segadimo a re ka e le barutabana e bile e le bone ba nnang nako e ntsi le bana kwa sekoleng, ba ne ba lemoga gore ngwana yo ga a tshwane le nako tsotlhe ka e bile nako tse dingwe o ne a atle a ruruge mmele le go supa makoa a mangwe mme ba tsibogela seemo seo. O ne a tlhalosa gore ba lelwapa la ngwana yo, ba ne ba ise ba lemoge bokoa jwa ngwana e bile gape ba sa tsee gore o ka tswa a lwala bolwetse jo bo tlhokanang le go potlakelwa. Ngwana yo le mmaagwe ba ile India kgwedi eno e le lesome le boraro mo mosong gore mmaagwe a tle a mo abele philo. Mme Segadimo a re seemo seo se ne sa ba fa boikarabelo jwa go bona gore ba tsenya letsogo mo go thuseng ngwana yo ka tlhoafalo. A re mo nakong ya gompieno ba setse ba kgobokantse dididirisiwa di le mmalwa gore ba tle ba age ntlo e ngwana le mmaagwe ba tlaa nnang mo go yone fa ba boa kwa India. A re mo nakong ya gompieno ba setse ka dididisiwa tse di rulelang kago eo, mme ba solofetse gore bangwe ba ba tswe thuso. O weditse ka go kopa ba ba kgonang go ba thusa ka sengwe le sengwe se ba ka thusang ka sone gore ba seka ba ipona tsapa. religion_and_belief 8 Temo e e tlhabolotweng bokamoso Mookamedi wa lephata la dijalo, Rre Galeitsiwe Ramokapane o kopile balemi ba kgaolo ya Serowe borwa go inaakanya le methale ya temo ee tlhabolotsweng. O buile se kwa pulo semmusong ya letsatsi la balemi ba kgaolo eo bosheng kwa masimong a Bobothakgama kwa balemi ba neng ba kopanetse teng go neelana maele ka methale ya temo. Rre Ramokapane o tlhalositse fa tiriso ya methale ya temo ee tlhabolotsweng go oketsa thobo, selo sea reng seka tokahatsa matshelo a batho ka jaana le tlala e tlaabo e sa nne teng. A re puso e eme balemi nokeng ka jalo ba tshwanetse go ititaya ka thupana go bona gore ba lema dijo tse dika tshetsang lefatshe leno. O akgoletse balemi ba Serowe borwa gobo ba setse ba simolotse go dirisa methale e mesha jaaka go lema ka ditselana mme are gago ise go lekane ka gore kgaolo ya bone ena le lefatshe lele ntsi le lesa dirisiweng. O gwetlhile banana lebo Mme go inaakanya le temo abo a tlatsa ka gore faba tsena mo temong go batla ba ititeile sehuba Rre Ramokapane are lephata le ikaelela go tokahatsa go isa ditlamelo kwa setshabeng ka go dirisa dikompone tsedi ikemetseng le gone go dirisa balemisi baba tlogetseng tiro mme ba santse baka bereka. Fa batswa la bone balemi ba kgaolo eo ba supile fa ba santse ba tlhaela kitso ee tseneletseng ka temo mme ba akgola balemisi gore ba bereka ka thata goba ruta go lwantsha diji le mohero. Ba akgoletse puso go akaretsa go thusa balemi ka dichefi tsedi lwantshang mohero mo lenaneong la ISPAAD ka go supega fa Batswana jaanong basa tlhole ba batla go bereka kwa masimo. Baemedi gotswa kwa koporaseng ya balemi ya MOSISEDI ba kgothaditse ba serowe borwa go tshwara ka thata mme bare go botlhokwa gore ba ikopanye mme ba itirele thuto-seka dipuisano ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone. Ba supile fa tiriso ya didirisiwa tsedi lebanyeng ele botlhokwa fela thata le gone go sala ditaelo tsa balemisi morago ka nako tsotlhe. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Mosadi o akgola maiteko a go tsosolosa ngwao Kgosi Mosadi wa Balete, a re go gatisiwa ga molawana o o tlotlomatsang ngwao ka ngwaga wa 2001 go ba tiisitse moko mo maitekong a go tsosolosa ngwao. Fa a bua kwa moletlong wa ngwao o o neng o rulagantswe ke Sekole sa ithutelo tiro sa Serowe College of Education ka Labotlhano, Kgosi Mosadi o boletse fa puso e tshwanetse go akgolelwa go gatisa molawana o, o o itebagantseng le go boloka le go tsosolosa ngwao. A re ngwao e fa motho fa seriti le go supa gore ke mang. Kgosi Seboko a re le fa Batswana ba farologana ka merafe le dingwao tsa bone, selo se segolo se se ba tshwaragantseng ke botho jwa bone a tlatsa ka gore ke barata kagiso. A re go farologana ga dingwao tsa Batswana ga go ree gore ba farologane go dira mmogo go sena kgethololo, ba tshela ka kagiso le tirisano mmogo e bile ba a amogelana. A re dijo tsa Setswana, kapari le mmino fa di sa patiwa ke mekgwa ya morafe jaaka botho,g o tlotlana ga bagolo le bana le go ikaga, ngwao e a bo e sa felela. O ne a supa gore kgang ya ga susu ilela suswane gore suswane a go ilele, e aga botho jwa morafe ka gore ngwana o kopa boitshwaro jwa mogolo. O ne a gatelala gore go botlhokwa go fetisetsa ngwao kwa go ba ba botlana ka e le bone letshego la ka moso. Mothusa kgosi ya Bangwato, Kgosi Serogola Seretse o ne a supa fa sekole sa Serowe College of Education se tswa kgakala se itsege ka molodi wa Setswana. Mothusa mogokgo wa sekole sa Serowe College of Education, Mme Tendani Thabano o ne a tlhalosa fa badisa ba ngwao e le bogosi ka jalo a re go latedisa ngwao sentle go tshwanetse go itshwaraganngwa le bogosi. arts_culture_entertainment_and_media 0 Khansele ya Tawana e bone madi a go sekaseka lefatshe Modulasetilo wa lekgotlana la kabo ditsha la Maun, Rre Obusitswe Ntirelang, a re lekgotla la kabo ditsha la ga Tawana le bone P3 million yo o tlaa thusang go dira ditshekatsheko tsa tikologo go itsa go aba ditsha mo mafelong a a kgotlelesegang. Fa a begela khansele-potlana ya Maun bosheng, modulasetilo o supile fa ditshekatsheko tseo di le botlhokwa mo kabong ya lefatshe kwa Maun, ka go supagetseng fa ditsha dingwe di beilwe mo mafelong a a tshabelelwang ke kgotlelesego jaaka merwalela. Rre Ntirelang o ne a re go ntse go sena tswelelopele mo kabong ya ditsha kwa Maun, seemo se a rileng se bakilwe ke letlhoko la madi a tsone ditshekatsheko ntswa ba kabo ditsha ba dirile mealo ya go sega ditsha. O ne a tlhalosa fa lekgotlana la Maun la kabo ditsha le paletswe ke go aba ditsha gotlhelele monongwaga ntswa ba ne ba ipeetse seelo sa go aba ditsha tse di makgolo a mabedi ka ntlha ya dikgwetlho di tshwana le madi a go dira ditshekatsheko le a go phimola keledi beng ba masimo a a gapiwang ke ba kabo ditsha go sutela ditsha tsa bonno. Le fa go ntse jalo, Rre Ntirelang a re go ya pele, lekgotlana la kabo ditsha la Maun le tlaa dira mealo go sale pele mo mafelong a a mabapi jaaka Chanoga le Sehithwa a a sa angweng ke ditshekatsheko tsa tikologo e e kgotlelesegang motlhofo. O ne a tlhalosa fa lekgotlana la Maun le solofetse go aba ditsha di le 3 000 kwa Sexaxa mo bogautshwaneng tse di tlaa thusang go fokotsa dipalo tsa baikopedi. Modulasetilo o ne a tlhalosa fa ba na le baikopedi ba le 20 000 le go feta kwa Maun. Bangwe ba Makhanselara ba ne ba re gongwe go ka nna le tema fa lekgotla la kabo ditsha le ka sekaseka baikopedi gore go fiwe sebaka baikopedi ba ba senang ditsha gotlhelele fa go abiwa ditsha. environment 5 'Sefofane sa metsi' se falotsa bana ba Satau dirai Le fa merwalela e beile badirisi ba tsela ya Kachikau-Parakarungu ka fa mosing, bana ba sekole se sebotlana sa Satau, ba ba nnang kwa kgotlaneng ya Masanzu ba mo boitumelong ka ntlha ya di-tla morago tsa merwalela. Pele ga merwalela ya Chobe Enclave e tlhasela, bana ba sekole sa Satau ba ba nnang kwa Masanzu, ba ne ba bolawa ke go tsamaya ka dinao dikhilomethara di ka nna lesome go ya le go tswa sekoleng. E ne ya re morago ga go tshela ga metsi a a neng a thiba tsela e bana ba e dirisang go ya sekoleng, ba National Disaster Management Office le ba ofisi ya ga molaodi ba tsibogela seemo ka go isa bana sekoleng le go boa ka mokoro. Mo potsolotsong le A re pele ga merwalela e, ba ne ba tlamega go phakela gore ba kgone go tsena ka nako kwa sekoleng. O tlhalosa fa matshelo a bone a ne a le mo diphatseng ka tsela e e ne e na le diphologolo tsa naga jaaka ditlou, mme jaanong ka ba dirisa mokoro ga ba sa tlhole ba na le letshogo la go kopana le diphologolo. Kutlwano o ne a boka mokoro oo, a re ke ‘sefofane sa metsi’. A re pele ga merwalela e ne e re ka dinako dingwe ba dirise koloi ya sekole, mme gantsi e a bo e sena lookwane, ka jalo ba ya sekoleng ka la ga Moshe. Rre Rebatho Selelo, yo e leng mokgweetsi wa mokoro, a re e sale ba simolotse go rwala bana ba ka Motsheganong. Mme e bile ga go ise go nne le sekgoreletsi sepe mo tirong eo. Mogokgo Mambo Molongwane yo e bileng e le mogokaganya ditirelo tsa mokoro o, a re merwalela e ba beile ka fa mosing, thata thata fa ba batla ditirelo kwa Kasane ba tshwanelwa ke go dirisa tsela e e dikologang e bile e le dithole. A re ba ikgomotsa ka gore bana ba sekole jaanong ba sireletsegile mo diphologolong ka ba dirisa mokoro. Mo letlhakoreng le lengwe, ba dirisi ba tsela e e gokaganyang Kachikau le Parakarungu mo nakong e ya merwalela ba lela sa khuranyo ya meno ka ba re tsela eo e kgakala e bile e lerole le le feteletseng mo go bayang botsogo jwa bone mo diphatseng. education 4 Banni ba kopilwe go tlhokomela masimo Mopalamente wa Letlhakeng-Lephepe, Rre Liakat Kablay o kopile banni ba Malwelwe go tlhokomela masimo a bone le go sala ditaelo tsa balemisi morago gore ba tokafatse thobo. Rre Kablay o ne a tlhalosetsa banni kwa phuthegong ya go lekola kgaolo le go tsaya megopolo go e isa kwa palamenteng e e tlang. A re puso e dirisa madi a mantsi go ba neela dipeo le go ba duelela temo e le tsela ya go fokotsa lehuma le le apereng lefatshe. A re ka jalo balemi le bone ba tshwanetse go supa tlhoafalo, mme a gakolola le barui go disa ka natla go itsa gore leruo la bone le senye kwa masimo. E rile a amogela baeng, Kgosi Bokau Tobe wa Malwelwe a lebogela mopalamente wa bone go nna a ba lekola, mme a supa fa a sa jesiwe diwelang ke go tlhoka motlakase mo diofising tsa kgotla. Kgosi Tobe o tlhalositse gape fa ba sale ba kopile go atolosediwa kokelwana gore e nne le ntlo ya pelegi, mme a re seemo se, se a tshwenya ka jaana bontsi jwa bomme ba felela ba belegela kwa malwapeng mo go leng diphatsa. Modulasetilo wa lekgotla la ditlhabololo la motse, Mme Merapelo Bakae ene o ne a lebogela go bo ba setse ba neetswe didirisiwa tse di foromang ga mmogo le leobo le ba yang go berekela mo go lone, a tlhalosa fa seo se tlaa tokafatsa matshelo a batho ba motse. Mme Bakae o lebogetse gape go bo kopo ya bone ya go okelediwa dikago tsa sekole e atlegile. Mongwe wa banni ba motse, Mme Sekana Keolebogwe yo e leng sethakga sa kopelo, a re o tlhamile pina ya O kopile gore a lemogwe a bo a rotloediwe gore a kgone go gatisa pina eo go direla gore bareki ba mo atswe. E rile a ntsha mafoko a tebogo, Rre Donald Moshobori a rotloetsa banni ba Malwelwe go tsena diphuthego ka dipalo tse di kwa godimo ka jaana dipotso le dikakgelo tsa bone e le tsone di ka kgonang go tlhabolola motse. Go tswa kwa Malwelwe, Rre Kablay o ne a buisa phuthego kwa kgaolwaneng e e mabapi ya Maratswane kwa banni ba supileng fa ba sa jesiwe diwelang ke letlhoko la kokelwana. Kgosana wa kgaolwana eo, Rre Lekgela a re go tlhoka kokelwana moo go ba baya ka fa mosing ka jaana molwetse o kgona go tlhokafala go santse go tabogilwe le go kopa ba dikoloi go mo tabogisetsa kwa kokelwaneng e e gaufi kwa Malwelwe. O tlhalositse gape fa ba sokodisiwa ke metsi mo kgaolwaneng eo ka ba nosiwa ka koloi. A re le ditlhabololo di saletse morago ntateng ya letlhoko la metsi le mororo ba sale ba laetswe go rema tsela e e yang kwa sedibeng gore ba atamelediwe metsi. E rile a tsibogela dilelo tsa bone, Rre Kablay a supa fa a kile a kopana le ba Water utilities mme ba tlhalositse fa tiro ya go ba atameletsa metsi e tshwanetse ya similola mo nakong e e sa fediseng pelo. Rre Kablay o tlhaloseditse morafe fa kgaolwana ya Maratswane e tshwanetse go tsenngwa motlakase. society 9 Bomme ba Roma ba abela bana Bomme ba kereke ya Roma ba bokopano jwa Southern Dinnery ba Vicariet kwa Francistown ba file bana ba le bane dimpho. Fa a bua mo tirong eo, mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele, o supile fa seabe sa kereke se le botlhokwa thata mo lefatsheng leno, ka jalo go lebosega go bona bomme ba kereke ba inaakantse le go diragatsa mowa wa kutlwelobotlhoko. Rre Makgalemele o ne a kgothatsa bomme go tshwarelela ka thata mo go se ba se dirileng ka e le se segolo, mme e bile a eletsa gore ba dire mo go fetang fa mo nakong e e tlang. Fa a bua mo boemong jwa bomme ba kereke, modulasetilo wa bokopano jwa Southern Dinnery, Mme Tikologo Kenosi, o tlhalositse fa ba na le matshego a ba dirang ka one mo kerekeng, e leng a botho, borapedi le boaposetoloi. A re letshego la botho le ba gwetlha go diragatsa setho, lerato le bopelotlhomogi, ka jalo ba na le maitlamo a go tsenya letsogo mo go thuseng ba ba seng lesego mo botshelong lefatshe ka bophara. Mme Kenosi o tsweletse ka gore ba ne ba itshwaraganya le ba lephata la boipelego la Shoshong go ba thusa go batlisisa ba ba tlhokang thuso. Kgosi Mosinyi Mosinyi wa Shoshong o ne a lebogela tiro e e dirilweng ke ba kereke ya Roma, a re e supa fa mowa wa boutlwelobotlhoko o agile mo dipelong tsa bone. A re se ke bokao mo setshabeng ka kakaretso, e bile se ka ruta ba ba saletseng kwa morago go tsaya malebela. Baabelwa ba ne ba fiwa dimpho tsa dikobo le dijo. BOKHUTLO society 9 Ba Ralekgetho le Tshwaane ba abelwa dipone Mopalamente wa Moshupa, Rre Mokgweetsi Masisi o abetse banni ba Ralekgetho le Tshwaane dipone tse di dirisang marang a letsatsi di le makgolo a mabedi le masome mabedi (220) bosheng. Rre Masisi o ne a patilwe ke ba khamphani ya Kerela Samajam Botswana, ya bopelotlhomogi e e tlholegang kwa India ka ke yone e mo thusitseng ka dimpho tsa dipone tseo. Banni ba Ralekgetho ba abetswe di le 120, fa ba Tshwaane ba abetswe di le 100. E rile fa a abela dipone tseo, Rre Masisi o boletse fa a tsere matsapa go kopela batlhophi ba gagwe dipone tsa mohuta o o ntseng jalo kwa mafelong a a senang motlakase. O boletse fa a dirile jalo gore baithuti ba dikole tsa mafelo a o ba kgone gore ba bale ba phuthulogile. O boletse fa dipone tseo di dirisa marang a letsatsi, go sena ditshenyegelo dipe. A re bana ba mafelo ao ba ntse ba sa dire sentle mo dikoleng ka gore ga ba kgone go bala sentle bosigo le go dira tiro ya sekole maitsiboa. Mabone ao gape a tlatsa megala ya lotheka molelo (cell phones). Megolokwane e ne ya lelela boatleng fa banni ba amogela dimpho tseo, ba kaya fa ba na le moemedi wa motia. Ba boletse fa ba tsile go nna le motlakase ko masimong a bone. Ko motseng wa Tshwaane banni ba lebogetse gape gore motse wa bone go dumalanwe ke khuduthamaga ya ga tautona gore motse wa bone jaanong ke motse oo ka fa molaong. Rre Masisi, yo gape e leng Tona wa Merero ya Ofisi ya ga Tautona le Bodirelapuso o boletse fa Tautona a tsere tshwetso ya gore Tshwaane e nne motse oo tla bonang ditlhabololo fela jaaka metse e mengwe. O boletse fa a sireletsegile jaanong go sena go nna ba tshosediwa ke ope.Bokhutlo society 9 Letlhoko la madi le kgoreletsa ditlhabololo Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama o tlhaloseditse banni ba motse wa Mosu gore maikaelelo a puso a go dira ditlhabololo a kgorelediwa ke tlhaelo ya madi. O buile jalo ka Matlhatso a tsibogela kopo ya ga Kgosi Thanyego Pemole wa Mosu ya gore tsela ya Mosu/Thalamabele e mo seemong se se sa jeseng diwelang ka jalo e tlhoka go tshelwa sekonotere. Kgosi Pemole a re banni bangwe ba motse ba ba nang le dikoloi di setse di onetse ka di babalelwa ke tsela e e sa siamang. Tautona Lt Gen. Khama o ne a etetse motse wa Mosu ka taletso ya meepo ya diteemane ya Debswana ya Orapa, Letlhakane le Damtshaa go tla go bula semmuso matlo a roba bobedi a ba a agetseng batlhoki mo kgaolong potlana ya Boteti. A re seemo sa tsela se dira gore le tsone dipalamo tsa setshaba di nne boutsana. Kgosi Pemole a re tsela ya lekgarapana e gape e sa tlhokomelweng sentle e kgoreletsa ditlhabololo mo motseng wa Mosu. O supile gape gore banni ba motse fa ba tswa Francistown kgotsa Letlhakane ba kgona go lala mo tseleng ba emetse dikoloi tsa beng go ya Mosu, mme se, se tsenye matshelo a bone mo diphatseng tsa go tlhaselwa ke dirukutlhi. Tautona Khama a re o tlhaloganya sentle seemo sa tsela ya Mosu ka gore o etela lefelo le kgapetsa-kgapetsa a supa gape gore ga se la ntlha Kgosi Pemole a ikuela a kopa gore e tlhabololwe ka go tshelwa sekontiri. O supile gore letlhoko la madi le kgoreletsa ditiro tsa ditlhabololo ka go farologana tse puso e ikaelelang go di dira. Tautona Khama o gakolotse banni ba motse wa Mosu gore tlhabololo e dirwa go lebeletswe thata tiriso, ka jalo gore tsela e tshelwe sekontiri go lebelelwa le yone palo ya dikoloi mo motseng. politics 7 Ba Khwee ba kopiwa go kgalema Batsadi ba motse wa Khwee mo kgaolong potlana ya boteti ba kopilwe go kgalemela bana ba bone fa ba tswa mo tseleng kana ba gana sekole. Kopo eo e dirilwe ke mopalamente wa kgaolo ya boteti botlhaba rre Sethomo Lelatisitswe fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo ka Laboraro (15/05/2015),a supa fa ba tshwenngwa ke seemo se mo go sone bana ba tlogelang sekole, mme batsadi ba sa bone go le bolato ka jaana fa ba tlogela sekole ba nna le bone mo malwapeng kana ba tsamaya le bone kwa merakeng. Rre Lelatisitswe o ne a kopa batsadi go kgalemela bana ,mme a lemotsha batsadi gore thuto e botlhokwa, ebile e le yone e ka ntshang bana mo lehumeng,a tlata ka go kgothatsa batsadi go ema ka dinao le go tlhomamisa gore bana ba bone ba tsaya thutho ka tlhwaafalo. Mopalamente o ne a ba lekodisa ka thulaganyo e ncha ya kabo lefatshe ,gore le bone ba tle ba nne le seabe mo go yone ka go supa gore a ba dumelana le yone,banni bane ba supa fa thulaganyo eo e le tsela nngwe ya go ba amoga lefatshe le go ba tlogela ba sena fa ba nnang teng. Kgosi wa motse wa Khwee rre Gagoitsiwe Dauwe o ne a lekodisa mopalamente ka matshwenyego a motse wa gagwe a tlhalosa fa a tshwengwa ke borukuthi jo boileng magoletsa mo motseng oo jwa dintwa tse di bakang dintsho tse a reng di dirwa ke banana ba sena go nwa bojalwa . Kgosi Dauwe a re go nowa majalwa aa sa letlelelwe ,go gogiwa setlhatshana sa motokwane ,a re ba setse ba nnile le dintsho dile dintsi tse di diragalang go sena go nowa bojalwa,a supa fa dithupa tsa marago disa ba babale a re go batla thupa ya mokwatla. Banni ba ne ba supa fa ba tshwengwa ke borukuthi jo le seemo sa dintsho tse di diragalang le bone ba dumelana le kgosi gore go betswe dithupa tsa mokwatla ka banana ba sa kgalemelesege. Modulasetilo wa VDC rre Meshack Tseleng o ne lekodisa mopalamente ka mathata a motse wa bone jaaka tsela ee sa siamang,seemo sa metsi a a nowang le a ba nosang leruo ka o ne a supa fa leruo la bone fedile ke lenyora le letlhoko la motlakase. Rre Tseleng o boletse fa badirelapuso ba ba nang mo matlong a VDC ba sa duele matlo ao e bile ba gana go duela dikoloto tsa bone ,selo se a reng se ba pateleditse go ba ntsha mo go one. Mopalamente o ne a ba tlhalosetsa fa go sena madi a go tshela tsela ya bone sekontere ,a re e tla tswelela e gopiwa,atlatsa ka gore motlakase go tla tsenngwa wa marang a letsatsi mo ngwageng ono. BOKHUTLO education 4 Komiti e tla tsosolosa lefelo la itloso bodutu Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa kgotlana ya Ramokgatla mo Serowe Rre Mothoagae Mothoagae a re go mo magetleng a bone go tsosolosa lefelo la itloso bodutu le le mo kgotlaneng ya bone. Mo potsolosong le BOPA, Rre Mothoagae a re lefelo leo tshimologong le ne le abetswe banana, jaanong e le ba VDC ba neetswe marapo a go le tlhabolola gore le tle le akolwe ke setshaba. O boletse fa lefelo leo le sale le beilwe ka ngwaga wa 1999 fa tautona Lt. General Seretse Khama Ian Khama e santse ele mopalamente wa kgaolo eo. O tsweletse a tlhalosa fa maikaelelo a bone mo lefelong leo la selekanyo sa ditema tse di lesome ele go le tlhabolola ka go aga dikago go dira dikantoro tse di tlaa hirisetswang setshaba. Rre Mothoagae a re VDC e ikaegile mo dipoelong tse ba di dirang ka go hirisa dikago.O tsweletse ka go tlhalosa fa lefelo leo le kgatlhisa ele ruri e bile le ntsha pelo ka le bapile le majwe a Swaneng ka jalo le ka ngoka bajanala. Modulasetilo gape o supile dikgwetlho tse di ka ba paledisang go tswelela ka nako. A re dingwe tsa ditlamelo di saletse kwa morago jaaka motlakase le metsi. Rre Mothoagae a re ba ikaelela go kopa dithuso mo makalaneng a a ikemetseng ka nosi le maphata a e seng a puso gore ba kgone go diragatsa dikeletso tsa bone. O supile go tlhoka go itumela ka a re mabutswa pele ba motse ga ba a ipona tsapa go dira maiteko a go tlhabolola le go netefatsa tiriso ya lefelo leo mo dingwageng tse di fetileng. Batho botlhe ba ba nang le ditsha tsa dikgwebo kwa motseng wa Seronga Seronga di abilwe pele ga ngwaga wa 2012 ba kopiwa gore ba itshwareganye le lephata la kabo ditsha le Seronga pele ga kgwedi eno e ya fifing. Bokhutlo society 9 Komiti ya Thabala e gatetse pele Komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Thabala mo kgaolong ya Legare e sa tswa go akgolelwa go bo e gatetse pele go tsisa ditlhabololo mo motseng oo. Mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke komiti eo ka Labobedi, go rolela morafe pego ya ntlha ya ngwaga, banni ba lebogile go menagane go bona komiti eo e gatetse pele e bile e na le tebelopele ka ba re e supa fa e tlhoafaletse go ntsha maduo ka jaana e kgonne go diragatsa maikaelelo a yone a go tsenya madi ka go rekisa ditena mo motseng. Ba re kgwebo e ya go foroma ditena e bogadi bo gaufi e bile e na le dipoelo tse di ka tlhabololang motse wa bone. Komiti eo gape e ne ya iteelwa legofi go bo e tsweletse ka go tokafatsa seemo sa ntlo lohalahala ya motse ka go e ntshafatsa le go e gokela motlakase. Ba tlhalositse fa kgokelo eo e tla godisa dipoelo tsa yone ka jaana badiragatsi ba ne ba nyafalela go e dirisa ka e ne e sena ditlamelo tse di tsepameng jaaka one motlakase. Ba re selo se, se ne se ba tshwarisa bothata ka ba ne ba tlamega go dirisa dijeneraitara tse ba tlhalosang di ne di sa ba solegele molemo ka gope. E re go ntse jalo, banni ba kopile komiti go sekegela tsebe selelo sa bone sa gore sekole sa bana se se ntseng se emisitswe se tsene mo tirisong ka ke gone kwa moding wa thuto ya ngwana o simologang teng. Fa a rola pego, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Kentse Botshelo o tlhalositse gore le fa ntswa tiro ele ya go direla motse ka boithaopo e tlhokana le neelano le therisano le morafe ka jalo ba bone tshwanela gore ba bitse phuthego go tla go amogana dikitso le dikgakololo le bone. O tlhaloseditse banni gore ke bone seipone sa motse ka jalo ba tshwanetse go lekodisana ka tse di amang motse wa bone. Modulasetilo o boletse fa a tshwenngwa ke gore bangwe ba ba hirisitseng matlo a VDC ga ba duele madi a khiriso. A re bangwe ba na le go dirisa seemo sa matlo ele seipato sa go sa go dueleng le mororo ba ne ba amogetse go tsena fela mo matlong ao, ka fa ba a neelwa ba sekaseka seemo le mohirisi mme ba dumelane go tsena fela. O tlhalositse fa go sa duelweng sentle ga matlo ao go ba baya ka fa mosing go tsweledisa ditlhabololo tse dingwe tsa motse ka jaana ba ikaegile ka madi a go dira ditlhabololo. O tsweletse a re o akgola khansele go bo e ba solofeditse go ba tswa thuso mo dikolotong tse komiti e lwang ka tsone. O bile a tshepisa banni gore ka ba kgathala ka go tlhabolola motse wa bone, ba mo dipuisanong le kompone ya Mascom go tsaya teranka ya nteletse wa bobedi e e itsegeng ka leina la Kitsong Centre, ka jaana monana yo a neng a e abetswe a sale a e phuagantse ka 2012. A re teranka e, e ne ya abelwa motse oo e le maiteko a kompone eo go atametsa ditlamelo kwa go bone jaanong go lebega go ne ga folodisiwa ke monana yo a neng a filwe marapo a go e tsamaisa. Rre Botshelo o supile fa selo se, se kokonela banni ka ba latela ditlamelo di akaretsa go dira meriti, go romela melaetsa le tsotlhe tsa maranyane kwa Serowe mme gole turu fela thata. economy_business_and_finance 3 Maphata a akgoletswe go dira sentle Makhanselara a kgaolo ya Ghanzi a kgotse maphata a mmuso go berekela mo nakong le go thusa morafe wa kgaolo ya bone ka mananeo gore ba kgone go itshetsa ka one. Makhanselara a buile jalo mo phuthegong ya khansele e e tletseng fa ba akgela mo pegong ya komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo. Makhanselara a ne a akgola thata ka lephata la banana le thusa banana go bona mananeo ka bofefo le fa ntswa bangwe ba banana ba na le mathata a go bona ditsha fa ba ka direlang teng dikgwebo tsa bone. Makhanselara a supile fa mo kgaolong ya Ghanzi bontsi jwa banana ba le mo dikgwebong tsa lenaneo la banana, ba tswelela ka go kopa maphata go ema ka dinao go bona gore morafe o thusiwa ka bofefo fa ba batla mananeo a puso. Erile mokhanselara wa Grootlgate Rre Ezekiel Kajuu a akgela a kopa khansele go thusa banana ka mafelo a a iseng a neelwe ope mo toropong (open space) gore ba kgone go dira dikgwebo tsa bone sentle. Mokhanselara Kajuu a re ke nako ya gore khansele e eme ka dinao go bona gore banana ba neelwa mafelo ao ka gore bontsi jwa banana mo toropong ya Ghanzi ga ba kgone go akola mananeo a banana sentle ntateng ya go tlhoka lefatshe, a re go na le banana ba ba tsereng mananeo ao mme ga a dire sentle ntateng ya madi a dirente a a kwa godimo. Mokhanselara o ne a kopa ba lephata la nyeletso lehuma go thusa batho ba metsana e mebotlana ka dipodi le dikgomo ka jaana e le tsone tse di ka ba tswelang mosola a re dikgwebo tsa go tlhatswa diaparo le tsa go dira moriri le go apaya maroto ga di ba solegele molemo. Mokhanselara wa kgaolwana ya Kabakae Rre Babane Thiite o ne a kopa ba lephata la matlhoko a leruo go emela molelwane wa Kuke ka dinao ka jaana terata ya teng e se mo seemong se se siameng. O ne gape a kopa gore bana ba dikole ba thusiwe ka sengwe fa go santse go emetswe mashi a a sa bolong go fela. Mokhanselara Thiite o ne a ngongorega thata ka khansele gore e leswe mo go tlhabisang ditlhong a re ditlhare di dintsi thata mo teng, a re khansele e tshwanetse go nna phepa ka dinako tsotlhe. Mokhanselara wa kgaolwana ya Merting Rre David Botshake o kopile gore matlo a a agelwang batlhoki a agelelwe ka gore batlhoki bone ga ba na go kgona go agelela matlo a bone. Erile mokhanselara wa Chobokwane, Rre Joel Moragoshele a akgela a kopa ba lephata la matlhoko a leruo go ba tlhalosetsa gore tiro ya kgwediso ka seatla e ya go simolola leng ka jaana go na le dingwaga barui ba sa ise dikgomo tsa bone kgwedisong. Mokhanselara Moragoshele a re barui ba re ba batla go isa dikgomo tsa bone ka jalo ba tshwanetse go tlhalosa gore ba ya go simolola leng. O ne gape a kopa gore polase eo e gokelwe motlakase. Mokhanselara wa Mkaunda/Kole Rre Kapenauarue Kandjise o ne a lela ka tlhaelo ya bakenti kwa metseng ya gagwe a tlhalosa fa tlhaelo ya bakenti e dira gore morafe wa gagwe o salele kwa morago mo go jeseng Omang wa dikgomo, le tsotlhe tse di tshwanetseng go dirwa ke ba lephata leo. Makhanselara a ne a kopa ba lephata la ditsela go gopa ditsela tse di mo kgaolong, bogolo thata ya Ncojane/Charleshill ka e mo seemong se se maswe le go kgaola ditlhare tse di fa thoko ga ditsela go hema dikotsi. Erile bagolwane ba maphata ba araba dikgakelo tsa bone mogokaganya ditiro mo lephateng la matlhoko a leruo, Rre Sikhumbuzo Mondo a tlhalosa fa ba na le tlhaelo ya bakenti mo kgaolong mme ba tlaa leka ka bojotlhe gore metse e e senang bakenti e bone thuso. Rre Mondo o tlhaloseditse makhanselara fa molelwane wa Kuke o setse o le mo seemong se se siameng mo nakong ya gompieno. A re ka go isa dikgomo kwa polaseng ya kgwediso ka seatla ba tlaa simolola ngwaga one o. A re mabapi le go gokela motlakase kwa polaseng eo ba santse ba sena madi. Erile mogolwane wa lephata la banana mo Ghanzi, Rre Gobonaone Ramoupo a akgela a tlhalosetsa khansele fa ba tlaa tswelela ba iteka ,mme fela lephata la gagwe le na le dikgwetlho tsa bana bangwe ba ba sa kgoneng go bona mananeo ntateng ya go tlhoka lefatshe. Ramoupo a re keletso ya lephata la gagwe ke gore banana ba bone dikgwebo tsotlhe tse ba di tlhokang ka bofefo, a tlhalosa gape fa ba sa kgone go etela dikgwebo tsa banana sentle ntateng ya letlhoko la dikoloi. society 9 Dikereke di kopiwa go itshekatsheka Moeteledipele wa lekgotla la dikereke tsa semoya la Organisation of African Instituted Churches (OAIC), Rre Tebogo Motlhagodi, o kopile baeteledipele ba dikereke tseo go ema ka dinao go busetsa serudumo sa dikereke tsa bone. Rre Motlhagodi o buile mafoko a kwa phuthegong e e neng e tsenwe ke baeteledipele ba dikereke tsa semoya go simolodisa ngwaga o mosha kwa Mahalapye ka Matlhatso. Rre Motlhagodi o ne a itebagantse le setlhogo se se reng: Go Tsosolosa Dikakanyao le Megopolo, Ditoro, tse di Neng di Phirimeletswe. A re dikereke tsa semoya di tshwanetse go itshekatsheka mme di leke go sutisa dikgoreletsi tsotlhe tse ba neng ba na le tsone mo ngwageng o o fetileng. O ne a tlhalosa gore ba tshwanetse go leka ka gotlhe go ditsela tsa go ka fenya dikgoreletsi mme ba betla ditsela tse di siameng tse di ka ba isang kwa tshiamong, mme ba nna bagaka ba tumelo ka go direla morena le setshaba ka boammaaruri. Rre Motlhagodi a re baeteledipele ba dikereke ga mmogo le dikomiti kgolo ke bone lesedi la lefatshe go ka kaela balatedi ba bone se se tshwanetseng, ba bopa malwapa ga mmogo le lefatshe ka kakaretso. O ne a tlhalosa gape gore baeteledipele gantsi ba a tsietsega, mme fa ba kopane ba gakololana gore ba na le toro e ntle e e ka gololang batho le setshaba ba ka fitlhelela toro e ya bone. A re ke bone lesedi la lefatshe ka jalo ba tshwanetse go nna sekao mo setshabeng mme ba dira tsotlhe tse di siameng. Rre Motlhagodi o ne gape a gakolola baeteledipele gore ba tsee tsia seabe sa bomme mo dikerekeng tsa bone, a tlatsa ka gore gantsi bomme ba tsewa e le batho ba kopelo fela. Fa a bua ka tse dingwe, o ne a gakolola baeteledipele go etela dikereke tsa bone gangwe le gape kwa metseng e di leng kwa go yone go bona gore a ba dira se kereke e thaegileng ka sone le go bona gore a molao motheo wa dikereke tsa bone o setswe morago. A re go le gantsi go tletse dintwa mo dikerekeng, thero e ile tlase mme fa ba etela dikereke tse tsa bone ba ka fema dilo tse tsotlhe. A re lekgotla la OAIC le ikiteile ka thupana go bona gore ba thusa maloko a bone jang ka go ba fa dikgakololo le go bona gore a go setswe molao motheo morago e sere gongwe ba iphitlhela ba fapogile. Le fa go ntse jalo o ne a tlhalosa gore go na le dikereke tsa semoya di ka tshwara makgolo a marataro le masome a mabedi le bone mme tse di ikwadisitseng mo mokgatlhong di le lekgolo le masome a marataro fela. Rre Motlhagodi a re selo se, se a tshwenya fela thata mme a kopa gore ba rotloetse dikereke tse dingwe go ikwadisetsa mokgatlho o ka ba ka bona dikgakololo fa ba tlhokang teng. Fa a tswa la gagwe mogolwane go tswa kwa lephateng la tsa madi le ditlhabololo, Rre Patrick Seitiso o ne a tlhalosetsa baphuthegi bao ka seabe sa dikereke le ditlhabololo mo lefatsheng. Rre Seitiso o ne a tlhalosa gore puso ga e kake ya kgona go tsamaisa lefatshe e le nosi mme ka jalo seabe sa dikereke se botlhokwa fela thata ka ba tlhabolola lefatshe ka dikago tsa bone le gone go gakolola batho ka bomosola jwa malwapa. religion_and_belief 8 Banana ba Maun ba kgothadiwa go dirisa ditlamelo Mogolwane wa ofisi ya banana mo Maun Rre Odiretsemang Molao o rotloeditse banana go dirisa diofisi tsa lephata la Tlhabololo banana, metshameko le ngwao go batla bogakolodi e seng dithuso tsa madi fela. Rre Molao o ne a buisa banana mo puisanong ya banana e e neng e rulagantswe ke monana wa Maun Rre Leatile Kowa kwa motseng oo ka Laboraro. O supile fa ka bontsi ja nako ba amogela dipalo tsa banana tse dintsi ka nako e go buletsweng dikopo tsa go thusiwa ka madi fela mme e seng jalo ga ba bone ope. Le fa go ntse jalo, Rre Molao a re maikemisetso a bone ke go dira le mekgatlho e e farologaneng e e itebagantseng le banana go ba nonotsha. O ne gape a kgothatsa banana go tlhoafalela matshelo a bone, a re banana bangwe ba inaakantse le dilo tse di sa siamelang botsogo jwa bone le bokamoso. A re gore motho a nne le bokamoso jo bo botoka o tshwanetse a simolola ka dingwaga tsa bonana. Ka jalo o ne a re banana ba lese go tabogela dilo tsa segolo tse di bayang matshelo a bone ka fa mosing.O ne a re banana ba botlhokwa mo lefatsheng e bile ba tshwanetse go tla ka megopolo e e ka tokafatsang matshelo a bone le go isa lefatshe pele. O supile fa banana ba aperwe ke mathata a letlhoko la ditiro mme a re go ka nna thona go bona ba inaakantse le nnotagi. Mongwe wa batsena phuthego, Rre Seloilwe Seloilwe a re go botlhokwa gore go dirwe mokgatlho o o ka thusanang le ba lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao go tlhabolola matshelo a bana, sengwe se a reng o setse a se boleletse ba bogosi mo Maun. Rre Seloilwe o ne gape a kgothatsa banana go inaakanya le baeteledipele ba sepolotiki gore ba dire se se tshwanetseng. arts_culture_entertainment_and_media 0 Matlhabelo a simolola go reka dikgomo Mopalamente wa Serowe Bokone e bile e le mothusa tona wa temo-thuo Rre Kgotla Autwetse a re matlhabelo a BMC a Francistown a tlaa simolola go tlhaba dikgomo tsa Zone 6 le Zone 7 tse nama ya tsone e tlaa bong e rekisiwa kwa mefatsheng a Europe. Rre Autlwetse o buile se mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa Serule le Gojwane, kgwedi ya Phatwe e le lesome le botlhano. A re se se tla jaana morago ga gore lekoko la baemedi go tswa kwa palamenteng ya mafatshe a Europe ba tle go dira ditshekatsheko mo dikgaolong tsa Zone 6 le Zone 7 go bona gore a bolwetse ja tlhako le molomo bo fedisitswe mo kgaolong. O ne a tswelela ka go rotloetsa barui ba metse ya Serule le Gojwane le Batswana ka kakaretso go inaakanya le methale e mesha go tlhabolola leruo la bone a tlhalosa gore letsopa la dikgomo tsa Setswana le sa ntse e le la boleng jo bo kwa tlase. Rre Autlwetse a re ka tshwanelo kgomo e e nang le ngwaga le dikgwedi tse thataro e tshwanetse go nna bokete ja 400kg ke gone morui a ka itseng gore o ruetse kgwebo e seng jalo barui ba tla nna ba lela ka theko e e kwa tlase ya dikgomo. A re mohama wa temo-thuo ke one o lefatshe la Botswana le dirileng go le gontsi ka nama ya dikgomo tsa lone e ratwa bobe kwa mafatsheng a Europe. Rre Autlwetse o tlhalositse fa lefatshe la Botswana le ntse le ikaegile ka mohama wa diteemane mme le tsone mo nakong ya gompieno di sa dire sentle ka jalo a rotloetsa thata gore Batswana ba rue dikgomo tse di tlaa ba busetsang dipoelo tse di ka fetolang matshelo a bone. Mo go tsa temo, Rre Autlwetse a re puso e dirisa madi a mantsi go rekela balemi dipeo le menontshane mme temo e Batswana ba e ntshang e le ya go jela mo ganong mo go ka sekang ga rekisetswa ba mafatshe a sele go itirela madi. Mopalamente Autlwetse a re ka tshwanelo ekere e le nngwe fela e tshwanetse go ntsha dikgetsi tsa mabele di le masome a mane mme balemi ka bontsi ba sa ntse ba palelwa ke go dira jalo. E rile a akgwa dikgosi tsa metse eo dikgaba, ba ba neng ba lela ka letlhoko la metsi mo metseng ya bone a tlhalosa fa puso e sa nna fela mme e dira maiteko go bona gore ba ka rarabolola jang letlhoko la metsi. Rre Autlwetse a re thulaganyo e e neng e tshwanetse go dirwa ya go tsaya metsi kwa letamong la Letsibogo go siela metse ya Gojwane,Serule,Topisi,Moreomabele le Damochojenaa e sa ntse e emisitswe ke letlhoko la madi mme se se sa ree gore e kgaphetswe kwa thoko. A solofetsa fa go sa ntse go batlwa madi gore e diragadiwe. economy_business_and_finance 3 Banni ba kgothaditswe go ipelega Mopalamente wa Tati Botlhaba Rre Samson Guma o kgothaditse dikgosi le dikomiti tsa metse ya ditlhabololo go tsosolosa mowa wa go ipelega ka go agela baithuti matlo a boroko. O buile seo mo phuthegong ya thuto seka-dipuisano bosheng kwa Francistown. Rre Guma o kopile baeteledipele go ema ka dinao go agela baithuti ba sekole se segolwane sa Shanganai kwa Tsamaya matlo a boroko, morago ga go utlwa ka matshwenyego a a apesitseng baithuti bao kobo ka letshoba. O rotloeditse banni ba Siviya, Tsamaya, Tshesebe, Jackals 2, Mowana le Mabudzani go sireletsa matshelo a bana ba bone. O kgothaditse morafe go nna le seabe mo go tlhabololeng lefatshe la bone ka jaana puso e ka seke e kgone morwalo oo e le nosi. Rre Guma a re mo dingwageng tse di lesome le boroba bobedi tse di fetileng, puso e dirisitse P1.2 billion go emeletsa ditlhabololo mo kgaolong ya gagwe, le fa go ntse jalo ga go ise go lekane. A re jaanong go mo maruding a morafe go thusa puso ga mmogo le gone go sireletsa thuto ya bana ba bone. E ne e rile re go le pele mogokgo wa sekole Sa Shangani, Mme Ndinaani Mandevu a tlhalosa fa baithuti ba tsamaya sekgele sa dikhilomithara tse di masome a mabedi le bone, go ya go masome a mabedi le borataro go latela dithuto. Selo se a kaileng e le sone sekgoreletsi mo maduong a baithuti ka bana bontsi jwa nako ba goroga morago ga nako kwa sekoleng, e bile ba tla ba lapile ke mosepele. Mo godimo ga moo, o ne a kaya fa go tsamaya sekgele ga baithuti go le borai mo matshelong a bone ka jaana bangwe ba sa sireletsega mo dilalomeng le gone go tshaba sekole tota. Baeteledipele ba metse e supa eo, ba ne ba supa fa ba amogela mogopolo oo ka diatla tsoo pedi mme ba tlhalosa fa ba tlaa tshwara ka natla go bona gore tiro eo e ya diragadiwa. Ba re seo e tlaa nna mangwe maiteko a go diragatsa maikemisetso a tebelopele ya setshaba ya ngwaga wa 2016. society 9 Ipabalelo tseleng e ama ba-na-le bogole Ba-na-le bogole fela jaaka Motswana mongwe le mongwe ba lebanwe ke dikgwetlho tsa ipabalelo tseleng, segolo bogolo ka ba tlhaelwa ke melaetsa ya yone. Mafoko a, a boletswe ke mogolwane wa Disability Study Support & Organisation Skills Services [DISSOSS] Rre Thebeyame Tsumake, kwa thuto puisanong ya ba-na-le bogole e ba neng ba e tshwaraganetse le ba Botswana National Youth Council, ka setlhogo se se reng ‘kgwedi ya banana kgatlhanong le dikotsi tsa tsela’. Rre Tsumake o tlhalositse fa maiteko mangwe a dirilwe mo ditseleng jaaka go dira ditotoma go fokotsa lebelo la dikoloi, mme go ne go ka nna molemo fa go na le tsela e go tsamayang batsamaya ka dinao, dibaesekele, le dikolotsana tsa ba-na-le bogole. Mokgothatsi go tswa kwa sekolong sa Limkokwing, Rre Gaobodiwe Koontse o boletse fa ba-na-le bogole ba tshwanetse go tlhaloganya fa Modimo a ba dirile jalo gore kgalalelo ya gagwe e bonale. Rre Koontse o gakolotse setshaba go kopa tshireletso mo Modimong pele ga ba tsaya mesepele, a supa gore ke ene fela a ka ba fang botlhale, jaaka kgosi Solomone a kile a bo kopa mo go ene. Mogolwane go tswa kwa Motor Accident Fund [MVA] Mme Kwenantle Otukile, o supile fa dikotsi tsa tsela di gapa matshwititshwiti a batho mo lefatsheng leno, mme dipatlisiso di supa fa banana e le bone ba amegang thata mo go tsone. Mme Otukile o supile fa ba-na-le bogole le bone ba amiwa ke dikotsi tsa tsela, mme a ba kgothatsa go ema ka dinao gore lentswe la bone le utlwale, a supa fa e le bone ba ka thusang gore ba ka rutwa jang gore ba tlhaloganye molaetsa wa Ipabalelo tseleng sentle. O tsweletse a tlhalosa fa ba dira mokwalo wa batlhoka - pono wa braille, gore ba kgone go ipalela matshwao a tsela. Mme Otukile o boletse gape fa go na le lenaneo la Community Grand Scheme, le ka lone ditlhopha tse di eletsang go tsenya letsogo mo Ipabalelo tseleng, di ka tlang ka lenaneo mme ba MVA bone ba ba thuse ka ditlamelo. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Babereki ba kgothadiwa go dira ka natla Tona wa Dikgaolo le Tlhabolo Magae, Rre Slumber Tsogwane,o kopile babereki ba lephata la gagwe go dira tiro ya bone ka nata. Tona Tsogwane o ntshitse kopo e fa buisa babereki ba lephata la gagwe ka Mopitlo a le lesome le boraro kwa Letlhakane. O ne a ba lekola le go bona fa ba berekelang teng le go utlwa matshwenyego a bone a bo a ba kgothatsa go fetola maikutlo ka fa bantse ba bereka ka teng, ba ntshe megopolo e ka yone baka thusang puso go thusa Batswana. Tona a re gore ba kgone go dira tiro ka nata kefa baka fetola ka fa baakanyang kateng le kafa ba ntseng ba dira dilo ka teng, ba itumelele go bona ba kgana tiro ya bone ba bona maduo,ba seka ba kgoreletsa tiro ka dingongorego. One gape a ba kgothatsa go dirisana mmogo ,le go neela a re mmereki mongwele mongwe otswanetse a a bona mekwalo ya lephata go ba kgone go itse tse di ba amang . Babereki ba ne ba lekodisa tona ka matshwenyego a bone a tshwana,letlhoko la boroko,diofisi le didirisiwa,gotlhoka go tlhatlhosiwa maemo ,dipagamo,go okediwa dikitso le gona sebaka mo lefelong le le lengwe,go tlhoka go duelwa sentle . Alebert Gaoleboe a re maikaelelo a bone ke bereka ba ntsha maduo,ba kgorelediwa ke mathata a go tlhoka go lekolwa ke bagolwane go lekodisa ka matshwenyego a bone,atlatsa ka gore kgaolong ya bone gae a siama ka jalo dikoloi tsa bone di tlhoka go rekelwa dithaere tsa boleng jo bo ko go dimo gore di tseye seka. Mokwaledi wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae rre Boipelo Khumomatlhare,o ne a supa fa ba batle megopolo mo go bone e e ka isang lephata ko pele ,atlatsa ka gore bontsi jwa dikgang tsa bone ke tse di ka buiwa mo makalaneng le mo lephateng ,a kopa bagolwane ba bone go tshwara phuthego ya babereka ka bonako go rarabolola matshwenyego a babereki. Rre Khumomatlhare a re gona ka fa ba berekang ka teng basa tshware diphuthego ,go buisana ka tiro ya bone,gore ba fokotse dingongorego tsa bareke ,goitsa gore ba tle ba di ntshe mo diphuthegong tsa bo tona. One gape atlhalosa fa go dumelanwe gore kgwedi ya mopitlo e simolola mereki mongwe le mongwe abo ana le le sekopelo se se supang maina a gagwe le gore o berekela kae.o bile a re babereki ba tshwanetse go fiwa dietsele mo kgaolong le ko lephateng. society 9 Letso o itshetsa ka matlakala Rre Mogogi Letso wa Maun o gwetlhile banana go ikemela ka dinao go tokafatsa matshelo a bone, ka puso e otlolotse letsogo ka mananeo. A re ba tshwanetse ba lemoge gore puso ga e kake ya thusa batho botlhe ka ditiro, ke ka moo e dirileng mananeo gore bangwe ba itlhamele mebereko ba bo ba hire ba bangwe. Rre Letso o boletse seo mo potsolosong a supa fa ene a oba letsogo ka go dirisa matlakala go dira dibuka. A re o dumela fa mongwe le mongwe a tshwanetse go ema ka dinao go itshetsa ka jaana Modimo a file batho ditlhaloganyo. Rre Letso yo o dingwaga di masome mararo le bosupa, o boletse fa ene a ne a tlelwa ke tlhaloganyo ya go sela matlakala jaaka dipampiri mo motseng go simolodisa kgwebo ya go dira dibuka. A re o simolotse go nna le lorato lwa go dira ka diatla a sale mmotlana ka jaana a godile a rata go tshwantsha le go dira mekgabisa ka dilo tse di farologanyeng. A re malebela le botsipa o bo bone mo go mmaagwe ka jaana a rata dira mekgabisa gape a loga, ka jalo go simolola kgwebo e, go ne go se thata mo go ena. Rre Letso a re fa a sena go lemoga fa a amule botsipa, o ne a seka a adima tshwene marapo mme a tswelela a godisa talente ya gagwe, ka a ne a lemogile fa bontsi jwa batho mo kgaolong bo dira mekgabisa. O boletse fa a ne a thapiwa ke kompone ya Branch Development kwa Maun ba ba dirisang matlakala go dira mekgabisa. A re kwa komponeng eo, o ne a ithuta dilo di le dintsi ka tiriso ya pampiri, mme ka 2015, a tlogela tiro mme a ya go tsweledisa talente ya gagwe kwa lwapeng ka jaana a ne a sena lefelo le a ka direlang mo go lone. O tlhalositse fa e rile ka 2016, a bona lefelo mo motlobong wa ditso wa Nhabe Museum mme a tsweledisa tiro ya go dira dibuka. Dibukana tse a di dirang o di rekisetsa batswakwa, bajanala, dikompone tse di rotloetsang tshomarelo tikologo le batho fela ba ba nang le kgatlhego. A re nako e nngwe o kgona go lalediwa mo medirong le ditshupo mme a kgone go ipapatsa sentle fa dinako tse dingwe a rekisa dibuka tsa gagwe kwa mafelong jaaka Mababe, Khwai le Xaxaba ka e le gone kwa theko e leng botoka teng. O supile fa batho ba mo eme nokeng ka go reka dithoto tsa gagwe. O boletse fa e le leloko la mokgatlho wa Okavango Artists Association. A re le gone go a mmerekela ka jaana a kgona go ipapatsa botoka ka nako tsa fa mokgatlho o tshwere ditshupo. A re banana bangwe ba supile kgatlhego mo tirong ya gagwe, ka jalo o bone go le botlhokwa go ba ruta a sa ba lope dituelo ka jaana a itumelela gore bontsi bo kgatlhegela tiro ya diatla ka jaana e le bogadi bo gaufi. BOKHUTLO society 9 Go isa ditirelo kwa setshabeng go botlhokwa Modulasetilo wa khansele-potlana ya Tsabong, Rre Ronald Baitsiwe a re maikaelelo a puso ke go isa ditirelo kwa setshabeng ka seo se ka ba thusa go nna le kitso le go tlhaloganya ka ditirelo le maitlamo a puso a a farologanyeng. O buile jaana kwa Khawa mo letsatsing la go isa ditlamelo kwa setshabeng ke maphata a puso go tswa mo Kgalagadi Borwa le le neng le rulagantswe ke ba ofisi ya ga molaodi ka Labotlhano. A re maitlamo a khansele-potlana ke go tshwara letsatsi leo mo sephatlong sa ngwaga le ngwaga e le tsela ya go tokafatsa ka fa setshaba se thusiwang ka teng. Rre Baitsiwe o ne a supa fa maitlamo a puso e le go thusa setshaba ka ditirelo ka nako e e tshwanetseng le gone go rerisana ka matshwenyego a bone ka tsholofelo ya gore kwa bofelong ba kgone go tswa ka ditharabololo, dikgakololo le dikeletso tsa bone go tswa mo metseng e e farologanyeng ba tshwaragane le bogogi jwa metse jaaka dikgosi, komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) le komiti ya bodirelapuso (VET). O supile fa ditlhabololo di ka kgonagala fela fa boeteledipele bo tshwaragane le go ba ema nokeng ba bua ka lentswe le le lengwe. A re bodiredi jwa puso bo tshwanetse go thusa setshaba ka botho le matsetseleko ka nako tsotlhe le gone go isa ditirelo le ditlamelo tsa maemo a ntlha, ba setse morago maitlamo a puso a 10 Point Agenda. Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi leo, mothusa molaodi Rre Bigboy Mangwa o ne tlhalosa fa e le go atametsa ditirelo gaufi le setshaba, le gone go tsosolosa dikomiti tsa metse. Rre Mangwa a re go botlhokwa go isa ditirelo pele ka gore go le gantsi fa ba isa ditlamelo ka malatsi a motshameko wa Khawa Dune Challenge, setshaba ga se tsee tsia ka maikutlo a bone a a bo a le kwa godimo ba sena sebaka sa theetso. Mokwaledi mogolo wa khansele- potlana ya Tsabong, Rre Jimmy Mackenzie o tlhalositse tiro kgolo ya VDC le VET. O boletse fa e le ya di ya thoteng di bapile, mme di tshwanetse go dira mmogo go tlhabolola metse e e farologanyeng mo kgaolong eo. Rre Mackenzie a re komiti ya VDC ke palamente ya motse fa komiti ya badirela puso ya VET e le yone e ba gakololang mo ditsamaisong le ditlhabololo tsa metse. A re komiti eo, e bopilwe ka bodirela puso bo akaretsa mogokgo, mooki, molemisi, ba boipelego le ba bangwe. O supile fa ditlhopho tsa komiti ya VDC di tshwanetse go tshwarelwa kwa kgotleng, e bile go direlwa mo pontsheng, di bopilwe ka maloko a a akaretsang dikgotlana tsotlhe mo motseng. Rre Mackenzie a re komiti ya VDC, e tshwanetse go ntsha dipego tsa ka fa ba dirisitseng madi ka teng le gone go itsese setshaba ka fa ditlhabololo di tsweletseng ka teng, morago ga kgwedi tse tharo mo ngwageng, a tlatsa ka go supa fa tshwaragano, tirisano mmogo le merero e le yone konokono mo go tlhabololeng metse. Fa a amogela baeng, Kgosi Piet Manyoro wa Khawa, o ne a ngongorega ka tsela e e mo motseng, a re ga e tsamaege ka e le lokgarapana le dikhuti, mme seo se paledisa morafe go ya go kopa dithuso kwa motseng mogolo Tsabong. O kopile puso gore go tshelwe sekontere, a supa fa ba tswa kgakala ba kopile mme go se nko e tswang lemina. Molaodi wa kgaolo ya Kgalagadi, Rre Patson Dibotelo fa a akgwa kgosi dikgaba, o ne a supa fa ba tlaa sekaseka le go buisana le ba ba lebaneng ka kopo ya gagwe ya tsela. O ne a rotloetsa bagwebi ba babotlana ba motse oo go ema ka dinao ba itirela go tokafatsa matshelo a bone, ka go rekisa le go bapatsa dithoto tsa bone mo setshabeng se se phuthaganetseng kwa motseng oo. Rre Dibotelo o ntshitse thotloetso eo, morago ga go lemoga fa go ne go sena mogwebi ope yo o neng a rekisa mo letsatsing leo, le ntswa badiri ba maphata ba ne ba tlhokana le dijo, e le tsela nngwe ya go tsholetsa bagwebi ba motse oo. Maphata a a neng a tsibogetse letsatsi leo, a akaretsa lephata la ga molaodi, la dikitsiso, omang, tlhabololo banana metshameko le ngwao, la diphologolo makgabisa naga, khansele, ba kabo ditsha, Legal Aid, dikgolegelo, lephata la matlhoko a leruo le a mangwe. politics 7 Mokgatlho o fa lorato Ba mokgatlho wa Bame Barona Sechabeng ba ne ba tshwere letsatsi la botsogo, ba le lebagantse le bana ba ba se nang bo Omang, mme ba itshetsa ka go tlhatswa dikoloi le go di tlhokomela kwa African Mall mo Gaborone. Mogolwane wa mokgatlho oo, Mme Direpang Segosebe, o ne a tlhalosa fa ba ne ba dira se go fa bana ba tsholofelo le go ba lemotsha fa ba na le mosola mo setshabeng le gone go ka tlotlomatsa lefatshe leno. O tlhalositse fa e se la ntlha a kopana le bana ba, ka jaana a kile a ba direla dijo tsa motshegare ka 2012, mme fa a ntse a dirisana le bone a lemoga fa ba se na bo Omang le fa e le tsone ditlankana tsa matsalo tota. Mme Segosebe o tlhalositse fa ba ne ba ikopanya le ba ofisi ya Omang go ba tlhalosetsa ka bothata jo, mme ka lesego ba kgona go ba thusa. O boletse fa gape ba ne ba ba rulaganyeditse go ba tlhatlhobela matlho, ka jaana ba dirisa melora e e bogale go tlhatswa dikoloi, mme ba lemoga e ka ama matlho a bone. Mogolwane go tswa kwa YWCA, Mme Botswelelo John, o ne a akgola bana ba gore e rile ba sena go fetsa dikole, ba seka ba nna fela mme ba itirela ditiro ka go tlhatswa le go tlhokomela dikoloi tsa batho, a tlhalosa fa go na le letlhoko la ditiro mo Botswana mme dipatlisiso di supa fa le topetse banana thata. O ba gakolotse go tshephega mo tirong ya bone le gone go e dira ka manontlhotlho, a supa fa go le botlhokwa gore ba dibele maina a bone le gore ba seka ba balelwa mo ditirong tse di fatlhang, mme ba tshegetse mekgwa ya Setswana ya tlotlo. Mme John o gakolotse bana bao gape go inaakanya le mananeo a puso le gore ba gakologelwe gore ka nako nngwe ba tlaa bo ba godile ba sa tlhole ba na le maatla a go bereka. O kopile batho go tshwaragana le Mme Segosebe go netefatsa gore tiro e ntle e a e dirang e tswelela sentle. Mongwe wa bana bao, Khala Nthoyapelo, yo o tlholegang kwa Thamaga, o ne a tlhalosa fa a itumelela tiro e Mme Segosebe a e dirileng ka go ba direla ditlankana tsa matsalo le boOmang, a supa fa e se mang le mang yo a ka tlogelang bana ba gagwe go thusa ba sele, fa e se yo o nang le lorato lwa Modimo. O supile fa jaanong ba gololesegile go batla ditiro le dithuso ka jaana ba na le sesupo sa gore ke Batswana. Bana bao, ba ne ba nna le sebaka sa go itlhatlhobela matlho. 
BOKHUTLO society 9 Ikwadisetso ditlhopho e a nametsa Mogolwane mo ofising ya lekgotla le le tsamaisang ditlhopho (IEC) mo kgaolong ya Kgalagadi a re ikwadisetso ditlhopho e tsamaya ka thelelo mo kgaolong eo. Rre Richard Senthumoleng a re setshaba se ikwadisetsa ditlhopho ka dipalo tse di nametsang fa e sale e simologa kgwedi eno e tlhola ga mararo. O buile mafoko a mo potsolotsong le Rre Senthumoleng a re ba thapile banana ba ba dirileng mophato wa botlhano ba le makgolo a mabedi le bobedi mo Kgalagadi ba ba tlaa bong ba dira tiro ya go kwadisetsa setshaba ditlhopho le ba le lesome le bone ba ba tlaa bong ba eteletse pele ba ba dithutego tsa Diploma ba nakwana. Mogolwane go tswa kwa ofising eo a re e le ba IEC ba phatlaladitse badiri bao ba nakwana mo mafelong a ikwadisetso ditlhopho a le masome marataro le botlhano mo Kgalagadi Borwa le a le masome mararo le borataro kwa kgaolong ya Kgalagadi Bokone. Rre Senthumoleng a re mo loetong lwa gagwe lwa go lekola ka fa ikwadisetso ditlhopho e tsamayang ka teng o itemogetse dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba setseng ba ikwadisitse mo metseng ka bontsi mo kgaolong eo, selo se a reng tsholofelo ke gore ikwadisetso ditlhopho eo e tlaa tsamaya ka thelelo. O boletse fa mo nakong ya gompieno dikgwetlho tse ba kopaneng le tsone e le ya motho a le mongwe fela yo o neng a ya kwa lefelong la ikwadisetso ditlhopho ka Omang yo o seng mo tirisong mme ba mo gakolola go potlakela go ya go dira yo mosha pele ga ikwadisetso e tswalelwa. A re kgwetlho e nngwe ke gore Kgalagadi o bophara, le gore ditsela dingwe ga di tsamaege ka gore ke tsa motlhaba le gore mo mafelong a mangwe ditlhaeletsanyo ga di yo gotlhelele. Rre Senthumoleng o ne a tlhalosa fa badiri bao ba ba thapilweng ka nakwana ba thusiwa ka ditente tse ba latsang tlhogo mo go tsone fa bangwe, bogolo jang ba bomme ba thusiwa ka boroko ke badirela puso bangwe mo matlung a bone kana a borutelo. Le fa go ntse jalo, mogolwane go tswa kwa lekgotleng le le tsamaisang ditlhopho o boletse fa ba ne ba kopana le kgwetlho e tona e e neng e batla tharabololo ka bonako ya badiri bangwe ba nakwana ba ba neng ba sa batle go ya go direla kwa mafelong a ba neng ba a tlhophetswe ke ba IEC, mme bone ba batla go fudugela kwa go a ba tlholegang kwa go one bogolo jang ba bomme ba lebile tsa malwapa a bone. A re mafelo a ikwadisetso ditlhopho a tlaa bulwa tsatsi le letsatsi le ka malatsi a boitapoloso ka Matlhatso le Tshipi go tlhomamisa gore Motswana mongwe le mongwe le ba ba berekang ba kgone go nna le sebaka sa go ikwadisetsa ditlhopho kwa ba eletsang teng. Rre Senthumoleng o ne a tlatsa ka go kgothatsa setshaba go dirisana sentle le badiri ba ba kwadisang le gone go ba rotloetsa go tswelela ba dirisa sebaka se go ya go ikwadisetsa ditlhopho ka dipalo tse di kwa godimo kwa mafelong a ba eletsang go ya go tlhopha kwa go one. politics 7 Ga ba robadiwe ke magodu a motlhaba Kgosi Keletshwaretse Phetsogang wa Mmatshumo a re ga ba robadiwe ke batho ba ba utswang motlhaba mo kgaolong ya bone. Kgosi Phetsogang o buile jaana mo phuthegong ya kgotla, e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe bosheng. A re se se ngomolang pelo ke gore magodu fa ba fitlhela dikgoro di tswetswe, ba a di thula e bile ba tlhapatsa banni fa ba leka go ba kgalemela. Mo go tse dingwe, o supile fa maduo a sekole se sebotlana sa Mmatshumo a 73 Kgosi Phetsogang a re go ima ga bana ba sale bannye go a tshwenya mme a tllhagisa ba ba dirang jalo gore ke molato go tlhakanela dikobo le ngwana yo o dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi. A re motse fa dipula di nele ga o tsamaege mo le bana ba sa yeng sekoleng. Kgosi Phetsogang o ledile ka tiego ya peo-ditsha, a tlhalosa fa tiego e dira gore batho ba felele ba ipaya fela. Modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Balefi Gobuamang a re ba kopile lefelo le go tlhatswediwang metsi teng katoloso ya mafaratlhatlha a metsi, ntlo ya pelegi e e feletseng, le go baakanngwa ga tsela ya Makgadikgadi. Rre Gobuamang o supile gape fa ba tlhaelelwa ke diterekere go lema e bile gape ba tlhoka sefetlha motlakase kwa kokelong ka gore motlakase o tshabelelwa ke go kgaoga. Rre Lelatisitswe yo gape e leng mothusa tona wa botsogo le boitekanelo o ba akgoletse maduo a a botoka a re ke sesupo sa gore batsadi ba tsentse letsogo mo thutong ya bana. Rre Lelatisitswe a re o tshwenngwa ke go bona kgang ya go tlhakanela dikobo le bana ba dingwaga tse di kwa tlase e santse e tshela mme a ne a ba tsibosa ka molato wa go dira jalo. Rre Lelatisitswe o tlhalositse fa phatlalatso ya metsi e le mo lenaneong mme e diilwe ke ditsamaiso tsa molao tse di tlhokang go salwa morago. crime_law_and_justice 1 A Madi a dikgaolo a okediwe - Sekwape Makhanselara a kgaolo ya Legare a kopile gore madi a P10 million a a fiwang dikgaolo tsa bopalamente a okediwe ka go lemotshega fa a dira ditlhabololo ka bontsi e bile a tlhama mebereko kwa magaeng. Makhanselara a ne a akgela mo puong ya modulasetilo wa khansele ya legare mo dipuisanyong tsa khansele tse di tsweletseng kwa Serowe. Mokhanselara wa Seolwane/Mokokwana/Mosweu kwa kgaolong ya Tswapong Mme Caroline Sekwape o boletse fa madi ao a dirile ditlhabololo di le mmalwa thata a kopa puso go a oketsa go menagane. Mme Sekwape o boletse gore fa e sale madi ao a simolodisiwa, ditlhabololo mo dikgaolong di a bonala le mororo go santse go na le ditlhaelo fale le fale. Le fa go ntse jalo, o boletse fa ditsela kwa kgaolong ya Letswapo di santse di sa tsamaege fa dingwe tse di tshwanetseng go gopiwa kgapetsakgapetsa go tsaya nako di sa gopiwe mme di nne thata le go tsamaega. O kopile gore tsela ya Mokokwana/Seolwane e gopiwe kgapetsakgapetsa go santse go emetswe sekontere. Mo go tsa botsogo o boletse fa go tlhagogile bolwetse jwa kgotlholo e tona (TB) mo kgaolong ya Letswapo mme ka lebaka la tlhaelo ya dingaka le baoki kwa dikokelwaneng go le thata go bo laola ka nako. O boletse fa bolwetse joo bo gola ka ponyo ya leitlho. Mokhanselara Sekwape o boletse fa sekole sa Seolwane se dira bontle mo dithutong le maduo mme sebe sa phiri e le matlo a borutelo a a makgasa, a tlhoka go shafadiwa mo go tseneletseng. O lebogetse mananeo mangwe a puso, a bolela fa a dira sentle e bile a ntshitse Batswana bangwe mo lehumeng. Bontsi jwa makhanselara ba ngongoregile ka tiego ya go abela banana ditsha tsa bonno, ba bolela fa ba tlhatlagana fela le batsadi kwa malwapeng. Ba kopile maphata a kabo ditsha go ititaya ka thupana go abela banana ditsha ka nako go lese go nna moyagoleele. Ba buile ka tlhaelo ya maroko a bodirelapuso e ba reng e baka gore ba nne boitseme mo tirong ka go sena fa ba latsang tlhogo teng ba phuthologile. health 6 Tshwarang bokgola jwa pula E re ntswa letsema le boloditswe balemi bangwe go lebega ba tlhopha go letela gore bojang jwa ntlha bo tlhoge ke gone ba itse go lema. Ba lephata la temo thuo ba rotloetsa balemi go itlhaganelela go tshwara bokgola jwa ntlha ka go lema. Rre Boutlule Kealatotse, moanamisa mafoko wa lephata la ditshekatsheko la temo thuo mo kgaolong ya Nhabe a re monongwaga ba lemogile pharologanyo. Rre Kealatotse o boletse gore mo dingwageng tse di ntseng di feta balemi ba Etsha 6 go tsena 13 ba ba neng ba rata go emela bojang go tlhoga pele, ba ile ba iketleetsa thata monongwaga. A re e re ntswa go nnile le leuba mo dikgaolong dingwe tsa Nhabe, ba lephata la tepoloapi ba kaile fa go na le tsholofelo ya gore pula e tlaa nna teng monongwaga mo kgaolong eo. Rre Bautlule o bile a re balemi ba molapo kwa Gumare le kwa Dikgatlhong bone ebile ba simolotse go ja dijo di tshwana le mmidi le makgomane, selo se a reng se ka bo se diragala le kwa Boro mme ka maswabi balemi ba koo ba ne ba kobiwa ke morwalela mo masimong a bone. Fa a tlatsa a re puso le yone e setse e rometse terekere ya ISPAAD kwa Gumare gore ba kgone go dirisa lenaneo la puso. O rotloeditse balemi go simolola go lemela thekiso a re se e ka nna nngwe tsela ya nyeletso lehuma go na le go lemela go ja fela ka dinako tsotlhe. A re ba itumeletse thekiso ya balemi ba Okavango ngogola, ba ba rekisitseng dithane di le masome mararo tsa lebelebele. BOPA society 9 Lephata la taolo matlhako le tsibosa ka tlhagogo ya tlhako le molomo Kgosi Cosmos Lelathego wa kgotla ya Moeti kwa Maun o supile matshwenyego ka seemo sa sekole se sebotlana sa Boyei ka jaana se fetogile bonno jwa bo mmamanthwane. Mo potsolotsong le Fa bogogi bo akaretsa ofisi ya mopalamente le ba komiti ya batsadi le barutabana ba sena go etela sekole seo, go ne ga lemogwa fa se tshwanelwa ke go tswalwa ka jaana bommamathwane ba sentse maruelelo a matlo a borutelo e bile leswe le monko di apesitse matlwana ao, selo se a reng se baya botsogo jwa bana le bodiredi mo diphatseng. Kgosi Lelathego o ne a supa fa e se matlwana a borutelo fela a a amegileng, a re a boitiketso ga mmogo le a boapeelo le one a amilwe ke seemo seo. A re bogogi jwa sekole, ka thuso ya komiti ya batsadi le barutabana, ba dirile maiteko go batla melemo go lwantsha seemo seo mme ga se tokafale. A re ba ne ba bitsa le badiri ba Ipelegeng go ba thusa go phepafatsa mme seemo se ntse se bifela pele. Kgosi Lelathego a re ba begetswe fa ba khansele ba itse ka seemo seo ka jaana ba ne ba etela sekole ngogola, mme ba solofetsa fa ba tlaa tsaya kgato.Nako kgolo ke eno. Mokwaledi wa ofisi ya mopalamente ya Maun Bophirima, Rre Ogaufi Monamisi o supile fa seemo seo se sa kgatlhise. A re marulelo mangwe a dikago tsa sekole a ka nna a gosomana nako nngwe le nngwe mme a supa fa go tlhoka ba ba maleba go potlakela go tokafatsa seemo. O ne a farologana le kgosi ka go tswalwa ga sekole a re go ka dirwa dikago tsa nakwana gore dithuto di tswelele. Rre Monamisi a re ba eletsa go bona baithuti ba rutelwa fa go babalesegileng teng mme a kopa ba ba maleba go potlakela seemo seo se ise se bake ditlamorago tse di maswe. O supile fa bogogi jwa kgaolo eo bo akaretsa lephata la thuto, khansele, ofisi ya ga mopalamente, kgosi le komiti ya dithabololo tsa motse di tlhoka tshwaragano go rarabolola seemo seo. Modulasetilo wa khansele-potlana ya Maun, Rre Moedi Modiegi o boletse fa ba itse ka seemo sa sekole seo e bile ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go netefatsa gore se a rarabololwa. A re ba setse ba thapile khamphani nngwe go shafatsa sekole seo. A re rakonteraka o tlaa simolola tiro mo nakong e e sa fediseng pelo ka jaana tsotlhe tse di maleba didirilwe. A re ba dumela fa rakonteraka a tlaa berekela mo nakong go busetsa seemo mo taolong. health 6 Batsadi ba tshwanetse go gagamatsa tlhokomelo Batsadi ba kopilwe go tlhwaafalela tlhokomelo ya bana ba bone. Moeteledipele wa setlhopha sa bomme sa Mosadithari kwa Masunga, Mme Tiny Chikadzi o boletse fa go dira jalo ele go netefatsa gore bana ba sireletsegile mo go sepe se se ka ba tlhagisetsang kotsi le mo dipuleng. Mme Chikadzi, yo mokgatlho wa bone o lebaganeng le go tsibosa bomme ba ba kwa magaeng ka mosola wa bone mo itsholelong ya lefatshe, o ne a kaya fa dipula tsa monongwaga di nele thata mme di solofetswe go tswelela di gosomana, ka jalo bana ba tlhokana le tshireletso e e kwa godimo. A re bana ba rata go thuma mo dinokeng, mme se, se diphatsa mo matshelong a bone ka ba ka betwa ke metsi. O ne a tswelela ka go re go botoka gore motsadi mongwe le mongwe yo o fitlhelang bana ba thuma mo dinokeng, matangwana kgotsa makadiba, a letse thupa go sa kgathalesege gore a ke ba gagwe kgotsa jang, a re ngwana ke wa setshaba. O file sekai gore bosheng jaana, mosimanyana yo o dingwaga di lesome le boraro o ne a tlhokafala morago ga go wela mo lekadibeng kwa nokeng ya Ntoba. Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Kgang ya bogosi jwa Shoshong e a kekelela Banni ba dikgotla tsa Phaleng le Bokaa kwa Shoshong ba dumelane mo phuthegong e ba neng ba e tshwere bosheng go dira dipopelelo tsa go ngongoregela go tlhoka go rarabololwa ga kgang ya bogosi jwa motse wa bone. Moteledipele wa lekoko le le tlhomilweng go etelela pele kgang ya bogosi jwa Shoshong Rre Matlotlo Ramokwena, a re e re ka tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Peter Siele le motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato Kgosi Sediegeng Kgamane ba sa kgona go rarabolola kgang ya bogosi ka nako e e tshwanetseng jaaka Tautona a ne a laetse, jaanong ba dumelane go dira dipopelelo tse di tlaa felelang ka go neela molaodi wa kgaolo ya legare Mme Thobo Mapitse lekwalo la dingongorego. Banni ba motse wa Shoshong segolo jang ba dikgotla tsa Bokaa le Phaleng ba ntse ba sa utlisisanye sentle le ba kgotla yoora Kgamane morago ga gore motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato Kgosi Sediegeng Kgamane a neele Rre Felix Kgamane bogosi jwa Shoshong jo bo neng bo ntse bo tshwerwe ke Kgosi Sejakgomo Ntsaga yo a neng a tlhomiwa morago ga loso lwa ga Kgosi Lebelwane Mosinyi. Rre Ramokwena o rile e re ka tona Siele le Kgosi Kgamane ba sa ikaelele go rarabolola kgang ya bogosi jwa motse wa bone, e le banni ba dikgotla tsa Bokaa le Phaleng ba tsere tshwetso ya go dira dipopelelo go ngongoregela go tlhoka go tsaya ditshwetso tse di maleba ga ga Rre Siele le Kgosi Kgamane mabapi le bogosi jwa bone, jo ba reng bo lebagane Kgosi Sejakgomo Ntsaga boemong jwa ga Kgosi Felix Kgamane. O boleletse ba lekalana la dikgang la BOPA mo potsolotsong gore ka letsatsi la dipopelelo le le tlaa dumelanwang ka Sontaga wa beke eno,batho ba kgotla ya Bokaa ba tlaa simolola mogwanto kwa kgotleng ya bone fa ba Phaleng le bone ba tlaa simolola mogwanto oo kwa kgotleng ya bone go ya go goroga kwa kgotleng kgolo ya Shoshong kwa ba tlaa neelang molaodi wa kgaolo ya legare Mme Thobo Mapitse lekwalo la dingongorego. Rre Ramokwena o rile fa TautonaLt. Gen SeretseKhama le tona Siele ba sa ikaelele go sekegela dingongorego tsa bonetsebe ba tlaa tseela kgang eo kwa kgotleng kgolo ya ditsheko. Pego e e tswang kwa lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae e bolela fa tona Siele a tlaa kopanela phuthego le makgamu a a amegang kgwedi eno e le masome a mabedi le boraro mo Mahalapye mabapi le ngongorego ya bogosi. BOKHUTLO politics 7 Puso o tshela Batlokwa malepe Kgosi kgolo wa Batlokwa a re kgosi e na le boikarabelo jwa go tlamela, go sireletsa le go dibela morafe. Kgosi Puso o buile se fa a buisa Batlokwa mo phuthegong ya kgotla kwa Tlokweng ka Matlhatso. A re kgosi ga e a tshwanela go reketla ka jaana e le ene a solofelwang go fa morafe dikgakololo, go ba gomotsa le go bona gore dikgatlhego tsa morafe di a sirelediwa. O ne a kaya fa go le botlhokwa gore magosi jaaka baeteledipele ba merafe ba ikanye Modimo mo ditirong tsa bone. “Ga ke itse gore dikgosi tse di sa tseneng dikereke di tsaya bogakolodi ko kae,” ga bua Kgosi Puso. O ne a tlatsa gape ka gore “kgosi ke motlodiwa wa Modimo, mme Modimo o mo sireletsa mo diphatseng tsotlhe”. Kgosi Puso o ne gape a tlhalosa fa kgosi a emetse dikeletso tsa morafe otlhe ka jalo a sa tshwanelwa ke go nna o kare o tsaya letlhakore. A re morafe o tshwanelwa ke go amogela gore go na le ditshwetso tse dikgosi di kgonang go di tseela morafe kwa ntle ga go rera le morafe pele, a tlhalosa fa bogosi bo baya dikeletso tsa morafe kwa pele. “Ga ke kgosi ya monana, fa ke tlhomiwa ke elelela pele monana le mogolo,” ga tlatsa Kgosi Puso. O ne a gakolola morafe go tlotlana ka dinako tsotlhe. Mo go tse dingwe, o ne a gakolola morafe fa dikgosi di letlelelwa go re ba seka ba sekisa dikgang tse ba amegang mo go tsone kana ba amana le basekisiwa kana baikuedi. Ka jalo, o ne a tlhalosa fa dikgang dingwe di tlaa sekisiwa ke magosi a a tswang kwa ntle ga bogosi jwa Batlokwa, se e le go tlhomamisa fa morafe o bona tharabololo e e tlhapileng ya dikgang tsa bone. Kgosi Puso, yo e leng modulasetilo wa ntlo ya dikgosi, o ne a re ngwaga ono ke ngwaga wa leuba, ka jalo go sena metsi le phulo ya loruo. O ne a kopa Batlokwa go fokotsa leruo la bone gore ba kgone go tlamela leruo fa mafulo a setse a kgothegile gotlhelele. Fa ba akgela, Batlokwa ba ne ba leboga kgosi ya bone go bo a nna a ba biletsa diphuthego le go kaya fa a ikaelela go etela dikole tsa motse wa gagwe a kgothatsa baithuti. Bokhutlo politics 7 Bontsi bo akola Nyeletso Lehuma Batho ba le makgolo a mararo le metso e lesome le botlhano ba tsene mo mananeong a mangwe a nyeletso lehuma fa e sale a simolodisiwa mo kgaolong ya Kgatleng ngogola. Se, se builwe ke mogolwane mo ofising ya boipelego, Mme Balezi Makubati. Mme Makubati a re mo bathong ba ba makgolo a mararo le metso e lesome le batlhano ba, ba le lekgolo, masome a supa le boraro ba ne ba le mo Kgatleng Bophirima, fa ba le lekgolo, masome a mane le bobedi ba ne ba le mo Kgatleng Botlhaba. A re mananeo a a akaretsa go roka, felo kwa go tlhatswetswang diaparo le matsela teng, madirelo a dubang borotho le semausu. “Maneneo a tsweletse, a gola mme fela ka bonya,” a bua jalo, a tlatsa ka gore “gongwe ke ka gore lenaneo le ke gone le simololang mo kgaolong e.” Mme Mukubati a re morago ga go tlhatlhelela baakodi, ba ne ba ba fa tsotlhe tse ba tla di tlhokang go simolola dikgwebo tsa bone, se a boletseng se ne sa fetola maikutlo a bone le ditlhaganyo e bile se ne sa fetola matshelo a bone fela thata ka jaanong ba ne ba na le tsela e ba ka dirang madi ka yone go kgona go itshetsa. Fela, o ne a re, dikgwetlho dingwe di folodisa go gola le go atlega ga maneneo a. Lengwe la mabaka a ke go tlhoka dikago tsa dikgwebo tse di farologaneng tse, fa ntlheng e nngwe e le go tlhoka go berekisana ga baakodi, go bua jalo Mma Mukubati, a tshwaela ka gore dikgwebo dingwe di bona phadisanyo e kwa godimo mo dikgwebong tse di ntseng di le teng e bile di itshetletse. Jaanong, ka ntla ya se, lephata la boipelego le ne la bereka thata go leka go tsenya mowa wa bojammogo le tirisano mo baakoding ba mananeo a. Mme Mukubati a re lephata la gagwe le ne le ikaelela go tlhatlhelela baakodi mo go tshegetseng, go tsamaisa le go godiseng dikgwebo tsa bone. A re dikgang di tshwana le tsa botsogo le tshenyetso setshaba, ke dingwe tsa tse baakodi ba rutilweng ka tsone go kgona go phadisanya. O ne a rotloetsa Batswana go dirisa mananeong a mangwe a lekang go godisa setshaba, go tlhama diphatlha tsa mebereko, e le tsela nngwe ya go lwantsha lehuma. economy_business_and_finance 3 Monna o tshelegetswe ke madi a kgoga Monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le borobabobedi, wa kgotla ya goo Rankau kwa Ramotswa, o bolailwe ka sengwe se go belaelwang ele thipana, fa a ne a leka go kgaoganya baratani. Tiragalo e, e diragetse ka Labotlhano bosigo, kwa marekisetsong a dino a Pinkies mo Ramotswa, fa moswi a ne a leka go tshereganya baratani ba ba neng ba tlhokile kutlwano. Go ya ka mogolwane wa mapodise a Ramotswa, Superintendent Sarah Gabathusi, moswi le mmelaelwa ke badiri mo Khanseleng ya Borwa Botlhaba, ebile ba ne ba itsanye. Mme Gabathusi a re go belaesega fa mme yo o neng a lwa le moratiwa wa gagwe a ne a tshabela kwa go moswi yo le ene a neng a mo itse. Ka bomadimabe, mmelaelwa o ne a gogela moswi kwa ntle ga marekisetso kwa a fetileng a mo keteka, mme morago a mo tlhaba ka sengwe se se bogale. Mme Gabathusi a re ba tshegeditse rre yo wa dingwaga tse di masome a mararo le bosupa, yo o tlholegang gone kwa motseng oo , ebile a tla iponatsa kwa kgotla tshekelong mo bogautshwaneng mabapi le molato o. Superintendent Gabathusi o ne a kopa setshaba go kopa bogakolodi fa ba na le mathata, gore ba seka ba felela ba tsere ditshwetso tse di seng maleba. A re go a itshupa e le tota gore tiragalo e ke dilo tsa go sa tsheleng ka tirisano mmogo le kagiso. Ka jalo, o ne a gakolola batho gore ba ithute go rarabolola dipharologanyo tsa bone, a tlatsa ka gore ba ka bona dithuso tsa bogakolodi mo makalaneng a a tshwanang le a boipelego , mapodise kgotsa kwa kgotleng. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Ba Natale ba itumelela dipalamo tsa setshaba Morafe wa Natale wa re e re ntswa seemo sa tsela e e kopanyang motse wa bone le mafelo a mangwe e se mo seemong se se siameng, sengwe se ba se itumelelang ke dipalamo tsa setshaba tse di tsamaelang koo go tswa kwa Francistown. Mo potosolotsong, monni mongwe, Mme Nkhabi Radibata a re dipalamo tse di tlhomamisitswe ka fa molaong go ka tsamaela kwa motseng oo, a supa gape fa se se rotloetsa pabalesego ya bone ga mmogo le dithoto. Mme Radibata a re pele ga dipalamo tse, ba ne ba lebanwe ke kgwetlho ya go tlhoka go ka goroga ka nako ka jaana dipalamo tse dingwe di ne di ba tlogela fela mo tseleng. A re ka mabaka ao ba ne ba patelesega go tsamaya dikhilomithara tse tharo mo sekgweng go goroga kwa motseng. Rre Mosweu Gomolemo le ene o supile fa dipalamo tse di mo tlhofofaletsa mosepele wa go ya mmerekong kwa Francistown ka a nna gone kwa Natale. A re ga go sepe se se mo kgopakgopang go ka goroga ka nako mo tirong, o bile a kaya gape fa se se mo fa sebaka sa go itse botsogo jwa ba lelwapa la gagwe ka dinako tsotlhe ka jaana a nna le bone. Go sale foo, Rre Daniel Thyse yo o kgweetsang dingwe dipalamo tse o kaile fa seemo sa tsela se ngomola pelo, bogolo thata ka nako ya dipula. Le fa go ntse jalo, Rre Thyse a re go botlhokwa go dira maiteko a go thusa batho, ka jalo o intshitse setlhabelo go tsamaela kwa Natale le fa tsela e sa itumedise. Kgosi Shepard Pelaelo wa Natale le ene o tshwaetse fa seemo sa tsela se ngomola pelo, a supa fa go setse go le lobaka go tshetswe lekgarapana le le neng le thibela diretse ka nako ya dipula. Kgosi Pelaelo a re komiti ya ditlhabololo tsa motse ga mmogo le badiri ba Ipelegeng ba nna ba loga maano a go tokafatsa seemo ka go kokoanya matlapa fa tsela e kgabaganyang molapo teng. Kgosi Pelaelo o bile a akgola tirisano mmogo e e renang fa gare ga bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba le banni ba motse. A re bakgweetsi ba ga ba tlhaele go gorosa thuso ka dinako tsotlhe le fa pula e ka na jang e bile le fa ba neeleditswe dithoto ba di gorosa go sena bothata. Kgosi Pelaelo o bile a re khansele-potlana ya Tonota le yone e tle e dire maiteko a go thusa fa seemo se bifile le ntswa ba lela ka tlhaelo ya didirisiwa. BOKHUTLO society 9 Banana ba UCCSA ba tsibosa ka mogare wa HIV E ne ya re bosheng banana ba kereke ya UCCSA kwa Makopong mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba tshwara moletlo wa dijo tsa maitseboa e le tsela nngwe ya go gasa molaetsa wa mogare wa HIV mo bananeng ka bone. Mo potsolosong le BOPA ka Mosupologo, modulasetilo wa banana ba, Rre Teko Chimbombi o boletse fa le bone ba ne ba bona go le botlhokwa go isa molaetsa, bogolo jang mo bananeng ka e le bone gantsi ba amegang mo go tsenweng ke mogare wa HIV. Rre Chimbombi o boletse fa maikaelelo magolo a bone e ne le go ruta le go kgothatsa banana ka bone go tsaya boikarabelo mo botsogong jwa bone gore ba tle ba kgone go tshela ba itekanetse ka jaana kgwedi ya Mopitlo e ne e le kgwedi ya banana kgatlhanong le mogare HIV. A re ba ne ba itemogela fa mo gongwe ba latlhegelwa ke bangwe ba banana mo dikerekeng ka lebaka la go tlhoka kitso le thuto ka mogare wa HIV mme ba felele ba tlhokafala. A re dikereke di tshwanetse go ema ka dinao go gasa molaetsa wa tsa botsogo mo setshabeng ka e le lone lefelo le bontsi jwa batho bo kopanelang kwago lone ka puso e ka seke e kgone e le nosi, a tlatsa ka go re banana ke bone bagogi ba diphuthego mo isagong. Are tiro ya bone e ne ya atlega ka go le pele ba ne ba rekisa dithekethe tse di dirileng P6 400, a kaya fa e ne e tshologetswe ke baeteledipele ba metse ba akaretsa dikgosi, baruti, batsadi le bontsi jwa banana go tswa Kokotsha, Werda, le Draihoek. Rre Chimbombi o boletse fa madi ao ba tlaa a abela kereke ya Makopong. O kaile fa gape molaetsa wa bone o ne o itebagantse le go tsibosa banana mabapi le go nwa bojalwa phetelela ka ditshekatsheko di supile fa dipalo tsa banana di le kwa godimo thata fa go tshwantshwangwa le tsa bagolo tse di felelang di baka dikgobalo tse di masisi le dintsho. Modulasetilo a re moono wa banana ba UCCSA kwa Makopong gape ke go tswelela ba rerela banana lefoko la modimo ka poifo modimo e le tshimologo ya botlhale, ka seo gape se ka tsisa pharologanyo mo matshelong a bone le gone go tila go inaakanya le tse di isang timelong. Rre Chimbombi o boletse fa ba ikaelela go tshwara bokopano joo ngwaga le ngwaga e le maiteko a bone a go tsibosa banana le setshaba ka kakaretso ka mogare wa HIV mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa. Le fa go ntse jalo, mooki go tswa kwa kokelong ya Makopong, Rre Kelebaone Kgositau o ne a tlhalosa fa bontsi jwa banana kwa motseng oo ba tsibogela botsogo jwa bone ka go itseela dikgato go ya go itlhatlhobela mogare. Rre Kgositau o ne a tlatsa ka go supa fa bangwe banana ba ba iphitlhelang ba na le mogare ba tsenelela lenaneo la diritibatsi le gore ba nwa dipilisi tsa ARV ka fa go sa tshwanelang ka teng. Setlhogo sa letsatsi leo e ne e le A Re Kopaneng. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Mapodisi a tshwere dipodi tsa bogodu Mapodisi a Ramotswa a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go tshwerweng dipodi di le masome a mabedi le botlhano tsa matshwao a a farologanyeng. Mogolwane kwa ofising ya sepodisi ya Ramotswa, Assistant Superintendent Norman Semele o kaile fa go belaetsa dipodi tse e le tsa bogodu.Rre Semele o tlhalositse fa ba tshwere dipodi di le lesome le boraro ka kgwedi ya Tlhakole e tlhola malatsi a le masome mabedi le borobabobedi, fa tse dingwe di le lesome le bobedi di tshwerwe kgwedi ya Phatwe e tlhola malatsi a le masome a mabedi le borataro. O tlhalosa fa dipodi tse di tshwerwe gaufi le masimo a Dithojane le Lefaufaung gone mo kgaolong ya Gamalete.O tswelela a tlhalosa fa ba tshwere babelaelwa ba le babedi ba borre ba go belaelwang ba amana le bogodu jwa leruo. Ditlhotlhomiso di ntse di tsweletse mme setshaba se kopiwa go ya go bona dipodi tse. O ne gape a gakolola Setshaba go ikopanya le mapodisi a bogodu jwa leruo gone kwa diofisisng tsa mapodisi a Ramotswa fa se tsile go bona dipodi kana fa ba kopa tlhaloso mabapi le dipodi tseo. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Ba gakololwa go bega dikgetsi tsa kgokgontsho Leloko la mokgatlho o o ikemetseng wa Women Against Rape (WAR) mo Maun Mme Gofilweone Samakabadi a re go tlhoka go bega dikgang tsa kgokgontsho ya bong go tshwana le go e rotloetsa. Mme Samakabadi o buile jaana kwa segopotsong sa ba ba kgokgontshitsweng, bogolo jang ba dipolaano tsa marato kwa Maun ka Laboraro. Sepotso seo se ne se rulagantswe ke mohumagadi wa Batawana Mme Boitshoko Moremi yo o tshwentsweng ke dipalo tse di golang tsa dipolaano tsa baratani. Mme Samakabadi a re go lebega fa malwapa e le one a a rotloetsang kgokgontsho ka go didimala le ntswa ba bona bangwe ka bone ba amilwe ke seemo se. A re ntwa ya kgokgontsho e tlhoka batho botlhe e seng makgotla a a dirang le dikgang tsa mohuta oo fela. O ne a tlhalosa fa lekalana la bone le sa fele pelo go rutuntsha batho ka ditsela tsa go rarabolola dikgotlhang. A re dithuto tseo di tshwarelwa mo dikgotlaneng tsa Maun e bile di rutuntsha bagolo le bana go thibela kgokgontsho. A re mokgatlho wa bone o na le lekalana la tsa bogakolodi, mme a re ba itemogetse kgolo ya dipalo tsa borre ba ba tlang go kopa tshidilo maikutlo, a re seo se a itumedisa ka borre ba ne ba saletse morago. Kgosi Kegaisamang Ramokwena wa kgotla ya Boseja o ne a supa fa dipolaano di ka fedisiwa ke go boela ga batho kwa Modimong. Kgosi Ramokwena a re batho ba latlhegetswe ke ngwao, bana ga ba sa tlhola ba na le botho. O boletse fa batho ba ne ba kgona go tshela mmogo bogologolo ntleng ga lenyalo mme go sena dintwa tse di maswe tsa gompieno tse go dirisiwang dibetsa tse di bogale jaaka dithipa. Mme Moremi a re go ngomola pelo go bo dipolaano tse dingwe di diragala mo matlhong a bana, ka jalo a re o ne a tlelwa ke mogopolo wa go rulaganya letsatsi la go gopola ba ba tlhokafetseng ka mkgwa oo. Mme Daisy Wright o ne a kgala dipolaano tseo a sa kgwe mathe. A re go a tshwenya go bo go na le dikgang tse dintsi tsa dipolaano le go thubediwa ga bomme. Ka jalo, o ne a rotloetsa gore dikgang tsotlhe tse di amang go bolawa ga batho di begwe ka kelelelo ke mapodisi le ba dikgang gore go seka ga gogomosa maikutlo a ba ba latlhegetsweng. education 4 Olopeng o akgola badiri ba lephata la gagwe Tona wa banana, metshameko le ngwao Rre Thapelo Olopeng o akgoletse badiri balephata la gagwe go bo ba ne ba nna pelo telele mo go diragatseng maikaelelo abone a go aga leobo la kgotla kwa motseng wa Manaledi mo kgaolong ya Tswapongbokone. Fa a bua kwa motseng waManaledi kwa a neng a rola leobo la motse oo semmuso bosheng, Rre Olopeng a rentswa go ne go na le dikgwetlho tsa madi fa badiri bao ba tsweletse ba aga leoboleo ba ne ba itoma molomo wa tlase mme ba kgona go le wetsa. Rre Olopeng a re tiro ebadiri ba lephata la gagwe ba e dirileng e e tsereng dingwaga di le tlhano gowela ke nngwe ya ditiro tse Tautona wa lefatshe leno a di rotloetsang e bile adi gogang kwa pele. O ne a tlhalosa fa e rile ka ngwaga wa 2010 fa puso esimolodisa lenaneo la gore maphata a puso a thuse fa ba bonang go na leletlhoko teng lephata la gagwe la tsaya tshwetso ya go aga leobo la kgotla kwamotseng wa Manaledi. A re ka yone nako eo ya faleobo le simololwa go agiwa lephata la gagwe ka le na le maitlamo a gorotloetsa tsa ngwao le ne le setse le na le botsalano le motse wa Manaledi ka ohumile mmu wa letsopa o o dirang dinkgwana mme ga boisanngwa le bogogi jwamotse mme ba felela ba kopile gore ba agelwe leobo la kgotla. Rre Olopeng a re lephata lagagwe le ne gape la tsaya tshwetso ya go abela sekole sa motse oo dibuka di le167. A re o lebogela gore ka go ya leobo la kgotla e ne ya rotloediwa thata kebanni ba motse ka ba ne ba e tsaya ka mashetla ebile ba na le tumelo e etletseng ya gore ke ya bone. O ne a tlhalosa fa go ne gosena madi a a neng a seegetswe kwa thoko e le a leobo mme madi otlhe a a neng aaga leobo leo a a tshwarang P167 793 a ne a tswa mo badiring ba lephata la gagweka ba ne ba na le maikaelelo a go direla banni ba motse wa Manaledi. O ne a kopa bagolo ba motsewa Manaledi go ruta banana ba motse go dira dinkgwana tse di dirwang kwamotseng oo ka di ka thusa go tlhabolola matshelo a bone. O ne gape a rotloetsabanana ba ba setseng ba na le bokgoni jwa go bopa dinkgwana go ipopa mme badire dikoporase ba kgone go intsha mo lehumeng. Tona wa dtsha le matlo RrePrince Maele o ne a lebogela lephata la banana, metshameko le ngwao tiro ekgolo e ba e diretseng motse wa Manaledi a bolela fa ba sa itumedisa motse oofela mme ba itumedisitse kgaolo ya Lerala/Maunatlala ka bophara. A re tiro eo ke tiro e tonaka e bile e ne e dirwa ka boithaopo mme go sa batliwe sepe mo banning. society 9 Tiro ya diatla e a tshetsa Moithuti wa pele wa sekole sa ithutelo tiro ya diatla sa Kweneng Bophirima Brigade kwa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Mmoloki Bathusi o rotloeditse banana go tsaya tsia le go inaakanya le dithuto tsa tiro ya diatla ka di le bogadi bo gaufi. Rre Bathusi o tlhalositse mo potsolotsong le BOPA fa a itshetsa ka kitso e a e anyileng kwa sekoleng seo, a re go tlhakanya thuto ya mokwalo le ya diatla go botlhokwa fela thata mo metlheng eno e lefatshe le nang le mathata a tlhaelo ya ditiro ka motho o ka kgona go itshetsa ka diatla tsa gagwe fa a setse a tseneletse dithuto tseo. A re o feletse ka mophato wa boraro mme a ya go ikoketsa kwa Kweneng Bophirima Brigade ka 2007 kwa a ithutileng teng dithuto tsa kago. A re morago ga go fetsa dithuto tseo o ne a thapiwa ke dikompone tsa kago mme ya re morago a bona go le botoka go itshwarela ka diatla tsa gagwe gore a agele morafe mo motseng ka a lemogile fa go ipereka go le bogadi bogaufi go tsenya dipoelo ka motho a sa emele letsatsi la dituelo. Rre Bathusi o supile fa tiro e, e tsisitse pharologanyo e ntsi mo botshelong jwa gagwe ka a kgona go itshetsa le ba lelwapa la gagwe. O kaile fa dipoelo e le tse di nametsang pelo fela thata. O supile fa a amogela batho ba le bantsi mo motseng wa Takatokwane le metse e e mabapi ba ba kgatlhwiwang ke tiro ya gagwe mo go dirileng gore a thapha setlhopha sa banana ba ba sa berekeng gore le bone ba kgone go oba letsogo. A re ntswa tiro ya kago e le bokete, o e dira ka bonatla, botswerere le bopelotelele gore a kgatlhe bareki le gone go netefatsa gore thuto e a e amogetseng kwa sekoleng e mo tswela mosola gammogo le go tlhabolola botshelo jwa gagwe le jwa banana ba bangwe. O gakolotse banana ka ene go itse fa thuto e se ya go bala le go kwala fela mme ya diatla e le molemo fela thata mo nakong eno e banana ba leng mo leshekereng la letlhoko la ditiro. A re go santse go lebega batho ba ise ba tlhaloganye ka botlalo gore dikole tsa ithutelo tiro ya diatla di mosola ka gonne batho ka bontsi ba di tseela kwa tlase mme tota ba sa tlhaloganye fa di ka betla mebereko. Rre Bathusi o tsweletse ka go gwetlha banana go ikamanya le dikole tseo gore le bone ba ipelafatse ka go nna le seabe mo go tsoseng itsholelo ya lefatshe leno. O kgothaditse botlhe ba ba dirileng dithuto tsa tiro ya diatla go dirisa kitso e ba nang le yone go itshetsa go na le go emela gore ba thapiwe ke dikompone. BOKHUTLO education 4 Lekgotla le rotloetsa thuo ya dihutshane Mokwaledi wa lekgotla la thuo ya dihutshane la Small Stock Industrial Federation Botswana (SIFB), Rre David Headman a re maikaelelo a lekgotla la bone ke go rotloetsa thuo ya dihutshane le go godisa kgwebo ya tsone. O buile jalo kwa moletlong wa go ipelela nama ya dihutshane o o neng a rulagantswe ke lekgotla la Tikologo Small Stock Farmers Association mo Letlhakane ka Matlhatso. Rre Headman a re tiro e nngwe ya lekgotla la bone ke go tlhofofatsa puisano fa gare ga puso le barui ba dihutshane. Rre Headman a re lekgotla la bone le okametse makgotla a dihutshane mo Botswana, a tlhalosa gore ke dikgaolo di robabongwe fela tse di setseng di na le makgotla a e bileng a dira sentle. A re ba ruta barui ba dihutshane le ope yo o dirisang ditswa dihutshaneng le ope yo o batlang go lemela dihutshane dijo. O tsweletse a re ba tshwara ditshupo gore barui ba kopane ba rutane maele a thuo le tlhokomelo ya dihutshane, le gore ba bue ka lentswe le le lengwe gore lentswe la bone le utlwale. Rre Headman a re gape ba na le thulaganyo e gantsi ba rotloetsang makgotla a dihutsane go e dira e e bidiwang Meat Festival Mutton Shevon e mo go yone go dirisiwang nama ya nku le podi fela e le go rotloetsa barui ba dihutshane. A re ba setse ba lemoga gore ngwaga o o fetileng ba ne ba dirile ditshupo kwa motseng wa Paje, ngwaga ono ba ne ba di dirile kwa Sesung kwa kgaolong ya Kweneng mme tsotlhe di ne di atlegile. O ne gape a re ba rotloetsa dikgaolo tse di sa ntseng di saletse kwa morago mo go simololeng makgotla a dihutshane. A re ba batla go godisa bogwebi jwa dihutshane. Mogolwane wa tsa tikologo gotswa kwa moepong wa Orapa, Rre Mbakiso Sebina o akgotse mokgatlho wa dihutshane wa Tikologo a re o tlaa thusa barui ba dihutshane gore ba bone mmaraka. Rre Sebina a re mokgatlho o wa Tikologo o tlhamilwe ka ngwaga wa 2010 ka thotloetso ya lekalana la Bird Life Botswana ga mmogo le lephata la temo-thuo. A re mokgatlho oo o agilwe ka barui ba dihutshane ba kgaolo ya Boteti Botlhaba. A re mokgatlho wa Tikologo o santse o na le dikgwetlho tsa letlhoko la madi, bogodu jwa leruo, mmaraka wa ditlhwatlhwa tse di maleba,tlhaelo ya mahudiso kana mafelo a go ruelwang mo go one ga mmogo le malwetse a dihutshane a a batlang go tsibogelwa ke banaleseabe. O ne gape a rotloetsa maloko a mokgatlho oo go dira ba le seoposengwe le banaleseabe gore ba tle ba fitlhelele maikaelelo a lekgotla. Rre Sebina yo o neng a tsile mo boemong jwa mogolwane wa meepo ya Orapa Letlhakane le Damtshaa (OLDM) a re ba kgathala ka setshaba se ba direlang mo go sone. Ba meepo ya OLDM ba ne ba abela mokgatlho wa Tikologo madi a a kana ka P10 000 gore ba a dirise mo moletlong wa bone. economy_business_and_finance 3 O itshetsa ka mabotlele le dithini Motsogapele o boletse are motho o tla tshela ka mohuhutso wa phata ya gagwe, . Se ke sone se Mme Kebonye Phare a se dirang. Mme Phare are o simolotse go bereka Ipelegeng ka 2013 le fa mo bogompienong a tlogetse. ‘Ipelegeng e a thusa. Ga o kake wa lala ka tlala, le bana ga ba kake ba tlhoka dilo tsa sekolo. Ipelegeng ga e tshwane le fa o ntse fela molapeng.’ Mme yo wa dingwaga tse di masome a mane le boraro, a re o kgatlhegetse go sela dithini ka 2014 a sena go bona ba bangwe ba dira jalo, mme a simolola a bo a felela a utlwile madi a tsone. “Ga o sena go utlwa madi a dithini ga o eme, o sela le fa o ile toropong. Ga gona sepe se ke se boifang ka gore ke botshelo ja me. Ke tshetsa bongwanake,” o tlhalositse jalo. Mme yo wa ko Kanye o tlhalositse fa a rekisa dithini ko Collect-a-Can fa mabotlele a a rekisa ko Trans. Mme Phare are mo nakong ya dipula o apara mokwasha a bo a ya go sela dithini. Are mabotlele o emela gore a nne makgolo a matlhano pele a a rekisa fa dithini a emela gore di tlatse kgetsi tse thataro. ‘Le fa ke apere ke le montle ke a ema e bo ke sela.’ Are bo molemo ja go itshetsa ka dithini ke gore ga gona ope yo o ka di utswang fa o di kgobokantse ka ba bona e le matlakala gape o phepafatsa tikologo.Are mabotele one o robala le one mo ntlong ka a tshaba gore a ka utswiwa. “Go re ke rekise mabotele, ke reka grate ka lesome la dipula, go tswa fa ke duelwa masome a mabedi le bobedi a dipula grate e le nngwe. Grate e tsenya mabotele a le lesome le bobedi.’ O boletse gore fa a ya go rekisa dithini le mabotele o tlhoka go hira koloi. Are ka tsela e e ntseng jalo o rotloetsa dikgwebo tse dingwe tse dipotlana. Mme Phare are ene o feletse ka lekwalo la bosupa ko sekolong mme seo ga a batle se mo dira motlhoki ke sone a butseng tafole ka one mabotlele. Tafole ya Mme Phare e rekisa dilo tse di farologanyeng di akaretsa maungo, merogo le dimonamone. O boletse fa mo dinakong tsa dipula a baa tafole mo verandareng jalo kgwebo e tswelele. O boletse fa a kgona go reka dijo le dilo tse a di rekisang fa a sena go rekisa mabotlele. Are batho ba bantsi ga ba dumele fa a ba bolelela gore o itiretse eng ka go sela dithini le mabotlele. “Ke kgonne go ithekela dipodi le kgomo ka madi a go sela mabotlele le dithini mme leruo ke le neetse batsadi gore ba le ntlhokomelele ka ke tlile majako mo toropong.” Mme Phare a re o eletsa gore fa dingwaga di ntse di tsweletse a bule semausu se se duleng diatla. “Ga nke ke nna ka matsogo, gongwe le gongwe ke a tsena, ke tlhatswetsa batho mme fa gongwe ke thusa bangwe go tlhagola mo malwapeng.” O gakolotse fa mongwe le mongwe yo o nang le diatla a tshwanetse go itshetsa ka tsone. Are batho ba tlogele go iteba dinala le gore batho ba tlaa reng ka jaana ditlhong di humanegisa. Are fa o nale matsogo le tlhaloganyo o rutegile. economy_business_and_finance 3 Autlwetse o lekola kgaolo Mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Kgotla Autlwetse, o tsweletse ka go etela kgaolo ya gagwe go lekodisa melao e e fitisitsweng kwa Palamenteng. Rre Autlwetse, yo gape e leng mothusa tona wa thuto le tlhabololo dikitso,o tlhaloseditse banni ba Lechana ka molao wa lekgetlho, a re dijo dingwe ga dikgethisiwe le gone gore fa ba reka ditshukudu tsa temo ga ba na go amiwa ke lekgetlho. Fa a latlhela ka molao o o amogetswe wa koketso palo ya maloko a dikereke gotswa mo go lesome goya kwa go lekgolo le masome a matlhano, a re maloko ao ga go pateletse gore a bo ale mo lefelo le le lengwe, fela kgang ke gore banne lekgolo le masome a matlhano. O ne gape a re a banana ba inakanye le mananeo a puso go itlhabolola, ka puso e sathole e kgona go ba tlhapa. fa aitebaganya le botsadi one are a bathusi banana ka lefatshe gore batsene mo temo thuong. Mopalamente one a tsaya sebaka go bua ka thuto are boleng ja thuto bo wetse tlase, ka jalo puso e bone gotshwanela gore bana ba boelele dithutong tse dipotlana fa basa dira sentle, gore ere baya kwa godimo ba kgone gotlhaloganya. Rre Autlwetse one a tsaya sebaka go akgola batlhophi ba kgaolo ya gagwe gore babo ba kgonne gotlhopha ka dipalo tse dikwa godimo, are kgaolo ya Serowe Bokone key one fela mo dikgaolong tsotlhe tsa botlhophi tsa bopalamente e tlhophileng ka dipalo tse dintsi. Morago mothusa modulasetilo wa komiti ya tsa temo thuo Rre Moleta Modisa one a supa fa mono ngwaga basa bona sepe mo temong ka mathata a pula tse dinelang ka boutsana, le gone gore boraditerekere bane ba diega go jwala le go ega, ba bo basiwa ke bokgola. One gape are ba apesitswe kobo ka letshoba ke bogodu ja leruo, le tshenyo ya leruo mo masimong a bao ba baneng ba theletse dithotse. Oile a supa fa ba lebogela lenaneo la ipelegeng sebe sa phiri ele palo e potlana e ba eneelweng mo kgaolwaneng ya Lechana le yone thaelo ya didirisiwa. One gape a lekodisa ka moepo wa Shumba o o amileng balimi barui bale mokawana, mme bare ga baitse gore jaanong baya go ya kae lefatashe le seyo jaana. One a lekodisa le ka batho ba bareng ba eletse go ba thusa go fokotsa dikotsi ka go aga masaka mo kgaolong ya bone go tlhatlhala dikgomo tse di mo ditseleng, ba ba ipitsang (Wa ESI). Fa baakgela ba Lechana bane balebogela mopalamente wa bone gore abo a thatositswe maemo gonna mothusa tona. Mme Keepe Tiroyamodimi ene one a ngongorega ka gorwesiwa ga manyena a dikgomo le gone go dikwala are ga bakgone ele barui goitirela tiro eo. Mme Tiroyamodimo one are a balemisi ba tsamaise tonto tshipidi pele gab aka batlogela goitsenyetsa manyena . Bishop Ramaphane one are o lebogela mogopolo wa go okediwa ga dipalo tse dika aga keteke, mme le ene a iteela kobo moroko ka kgang ya moepo wa magala wa Shumba are o amile didiba tsa bone fela thata . Fa ba araba dikakgelo le dipotso modiri wa matlhoko a leruo gotswa mo Palapye Rre Moladi Kudumane one are barui ba ipope ditlhopha gotsenya manyena, are gape batsweletse ka gorutuntsha barui mahala kwa diofising tsa bone. One a gotlhwa banana go inaakanya le kgang ya gotsenya manyena gothusa bagolo ka thutontsho baka e fiwa mahala, are seo seka ba busetsa ka bagolo ekare kgaba gare ba baleboga fa ba bona gotlhokega. Oile are gorwesa manyena goya go fokoletsa barui gotsamaya mosepele ba batla bakenti, se seyang go diragala ke go bua le bone ba bafa nomoro ya kgomo ka e tlaabo e setse ele mo marenyaneng Barui bane gape ba gakololwa ka go begala ba sepodise se ba boning sefatlha le gone gore , ba lese go tlhapa batswakwa ese kafa molaong ka ele bone gole gantsi ba fitlhelwang baa mega mo bogodung ja leruo. BOKHUTLO society 9 Molao ga o kganele maloko a VDC go tsenelela polotiki Molao o mosha o o tsamaisang dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse (VDC) ga o kgatlhanong le gore maloko a komiti eo ba inaakanye le polotiki. Fa a araba potso e e neng e botswa ke monni wa motse wa Moremi, Rre Lentswe Days ko Moremi ka Mosupologo, mmaboipelego wa motse oo Mme Pedro George a re molao ga o bue sepe ka go inaakanya le polotiki ga maloko a VDC. A re pele go dirwa tshutiso mo molaong o o tsamaisang di VDC ka 2015, molao o o neng o le teng o ne o sa letle maloko a VDC go inaakanya le polotiki. A re morago ga paakanyo e e neng ya dirwa mo molaong o tsamaisang di VDC, molao o ile wa seka wa bua sepe mabapi le go inaakanya le polotiki ga maloko a VDC, ka jalo go thata go kganela maloko gore ba seka ba tsena mo polotiking ntswa molao o sa bue sepe kgatlhanong le seo. Rre Days o ne a supa matshwenyego a gagwe ka se, a re maloko mangwe a VDC ya Moremi ba emetse ditlhopho tsa bulela ditswe tsa phathi ya BDP, ntswa ba filwe boikarabelo jwa go tsamaisa ditlhabololo tsa motse. A re se se ka ama tiro ya bone ka gore tiro ya VDC ke ya setshaba ka jalo maloko a VDC a tshwanelwa ke go dira tiro eo ba sa supe mebala ya diphathi tsa bone. A re go tsenelela mo polotiking go ka ama le ditshwetso tse VDC e di tsayang mabapi le ditlhabololo tsa motse. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa VDC Rre Tathego Malefo o lebogetse ditlhabololo tse di dirilweng mo Moremi ka lenaneo la madi a dikgaolo tsa botlhophi. A re motse wa Moremi jaaka metse e mengwe mo kgaolong ya Lerala/Maunatlala e ile ya fiwa madi a kanang ka P625 000. O lebogetse puso gore ditlhabololo di be di tsweletse ka go rothegela kwa motseng wa Moremi, a re madi a a filweng motse wa bone a thusitse gore komiti ya VDC e atolose matlo a yone, gore ba kgone go bona letseno le le botoka. O supile fa banni ba Moremi ba sa jesiwe diwelang ke tsela ya Moremi/Malaka, a re tsela eo ga e tsamaege ntateng ya go epiwa ke dipula. Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa motse oo Rre Opelo Modimowaitse a re tsela ya Moremi/Malaka e dirilwe morago ga gore banni ba motse oo ba supe fa ba tlhoka tsela. A re tsela e mo nakong ya gompieno e epegile ka gore ga e na mosele wa kgopo ya metsi ka gore e ralala masimo. A re fa go ka dirwa mosele go bapisa tsela eo, go ka ama masimo a batho ka nako ya dipula a re ke sone se mo nakong ya gompieno tsela eo e sa tsamaegeng.O kopile morafe wa Moremi go botsa dipotso fa ba sa tlhaloganye dilo dingwe mabapi le ditlhabololo tsa motse, a re mokhanselara le VDC ba itse ka tsa ditlhabololo tsa motse. politics 7 Tsheko o rotloetsa lekgotla go tswa ka methale ya go dira madi Mooki wa pele Mme Venice Modikwa a re go a gakgamatsa gore bangwe ba santse ba tsaya ba ba nang le mogare wa HIV ka letsogo la molema mme go na le dingwaga di le dintsi setshaba se itse ka mogare. Mme Modikwa yo o tlogetseng booki ka bogodi a re mo nakong eno batho ba kabo ba kgona go itlhatlhobela mogare mo pepeneneng ba sa tshabe sepe e bile ba bonwa ke mongwe le mongwe mme mathata ke ba ba santseng ba leba ba ba nang le mogare ka leitlho le sele e bile ba ba kgetholola. Mme Modikwa o tlhalositse gore le ntswa dithuto ka HIV/AIDS di le dintsi bangwe ekare ba a di ikgatholosa ka ba setse ba ipoleletse gore ba itse ka mogare ka mo nakong eno mogare o tsweletse o a anama. O ne a bua jaana kwa sekoleng se segolwane sa Mmachibaba kwa Ratholo kwa sekole seo se neng se keteka letsatsi la banana kgatlhanong le mogare bosheng. A re bangwe ba lomaganya mogare wa HIV le leso mme seo se dire gore ba ba iseng ba itse seemo sa bone ba tshabele kgakala. Ka jalo a re HIV ga se yone fela e ka tseelang motho botshelo mme go na le malwetse a mangwe a a kgonang go gapela motho botshelo. Mme Modikwa o ne a ikuela mo setshabeng go fetola ka fa ba tshelang ka teng le go fetola maitsholo a bone go fokotsa kanamo ya mogare. O kopile sechaba go tsena mo seemong sa gore ba itse seemo sa bone ba sa tshabe sepe ka mo nakong eno puso e simolotse lenaneo la treat all le le letlang yo o nang le mogare go tsaya diritibatsi fa a sena go itse seemo sa gagwe ntleng le go dia nako. economy_business_and_finance 3 Kgosi Mosweu o rotloetsa morafe go somarela ngwao Kgosi Mogotsi Mosweu o gakolotse banni ba motse wa motshegaletau go somarela ngwao ya Setswana ka e le konokono ya ditso tsa lefatshe leno. O buile se fa a ne a amogela morafe wa gagwe kwa kgotleng ka letsatsi la go ipelela dingwaga tse di masome a matlhano lefatshe leno le ntse le ipusa. Kgosi Mosweu o ne a re go apara marokgwe ga bomme mo kgotleng ke nngwe ya tseo tse di nyeletsang ngwao. Kgosi o nea rotloetsa morafe wa Bapedi go nna sekao mo baneng ba bone mme ka jalo ba kgone ba jwale ngwao mo dikokomaneng tsa bone. E ntse e le kwa moletlong oo wa boipuso, moeng wa tlotla rre Russel Clark gotswa mo kgaolong ya Legare, o boletse fa Batswana e le tshaba ee tshwaraganeng thata, selo sea boletseng fa se lebagane go ipelelwa mo nakong e ya boipuso. O kgothaditse morafe go tshwara ka thata go netefatsa gore kgaolo ya bone e nne le ditlhabololo. Rre Clark o boletse fa mowa wa go kopakopana o simologile mo Motshegaletau ka jaana go na le banni ba letso la Sesarwa, Bapedi, Bakgalagadi, le Basweu. O kgothaditse banni gore ba seka ba latlha mowa wa boipelego le go thusana. arts_culture_entertainment_and_media 0 ‘Bakwena ba ne ba itshwere sentle’ Mookamela mapodisi a Molepolole, Superintendent Charles Mbegwa o lebogetse banni ba Molepolole go bo ba nnile le boitshwaro jo bontle ka malatsi a paseka fa go lebeletswe seemo sa borukutlhi le dikotsi tsa tsela tse di neng di ritibetse ka malatsi ao. E rile a bua mo potsolotsong, Superintendent Mbengwa a re tshisibalo le kagiso di bakilwe ke gore ba ne ba boloditse letsholo la mapodisi gongwe le gongwe e bile ba patilwe ke baithuti go tswa sekoleng sa mapodisi kwa Otse. A re le fa go ntse jalo, go nnile le kotsi ya khombi e e neng e rwele batho ba ba neng ba ya kerekeng kwa Shoshong, mo tseleng ya Molepolole-Lephepe ka Tshipi motshegare. A re kotsi eo e ne e se maswe ka mopalami a le mongwe a ne a bona dikgobalo tse dipotlana mme a ragosediwa kwa bongakeng kwa a fetileng a alafelwa dikgobalo tse dipotlana mme morago a ntshiwa gone foo. Superintendent Mbengwa a re bakgweetsi ba ne ba itshwere sentle kwa ntle ga diphoso tse di seng kalo jaaka dikoloi di sekae tse di neng di sa itekanela le melato e mebotlana ya bakgweetsi ba ba neng ba kgweetsa ba se na diteseletso tsa go kgweetsa le tsa go rwala batho ba le bantsi. A re go bo dipalo tsa badira melato di ne di ile kwa tlase ka malatsi a boitapoloso go kaya gore melaetsa le dithuto tsa mapodisi di ntse di a tsena mo Batswaneng. Mo melatong ya batho ba ba neng ba tsena mo lefatsheng e se ka tetla, ngogola ka malatsi a paseka go tshwerwe batho ba le bararo fa go tshwantshanngwa le ba ba tshwerweng le ba ba masome mabedi monongwaga. Rre Mbengwa a re e re ntswa go nnile le koketsego ya dipalo, se se supa fa mapodisi ba ne ba bereka thata ba le gongwe le gongwe, ke ka moo ba kgonneng go tshwara badira molato oo ba le bantsi. A re go bereka thata ga mapodisi go supagetse gape le mo melatong ya tsela. Rre Mbengwa a re monongwaga mo pakeng e, go tshwerwe dikoloi di le lekgolo le masome a mabedi le bobedi fa go tshwantshanngwa le tse di masome matlhano ngogola tse di neng di sa itekanela go ka tsamaya mo tseleng. Superintendent Mbengwa o supile fa mothale o mosha wa go emisa batho ba bo ba botsolodiwa le go ba phuruphutsha le one o ba bereketse ka gore batho ba ba neng ba kaila mo mebileng ba gantsi ba kgonang go nna botlhabetsi ba ne ba tshwarwa ka one mothale o. Rre Mbengwa o gateletse gore boitshwaro jo bo ntseng jaana bo supa gore batho ka bonya ka bonya ba a utlwisisa. A re ba tsena ntlo le ntlwana ba bua le batho ba ba lemotsha gore fa motho a tennwe ke yo mongwe ga a a tshwanela go itseela molao mo diatleng. O weditse ka go rotloetsa gore boitshwaro jo bo nne teng mo malatsing a boitapoloso a a tlaa latelang mme batho ba dire tsotlhe tse di tlhokafalang go ikgapha mo go direng melato e e farologanyeng. BOPA crime_law_and_justice 1 Ditshupo di tlhoka thotoetso ya banni Modulasetilo wa komiti ya ditshupo tsa Kgalagdi Borwa Rre James Sampson o kopile banni ba kgaolo eo le setshaba ka kakaretso go ema ka dinao mo go rotloetseng le go tsenelela ditshupo ka dipalo tse di kwa godimo ka seo se ka thusa thata mo kgolong ya tsone ngwaga le ngwaga. Rre Sampson o kopile se jaaka a ne a lekodisa batsayakarolo mo ditshupong tseo ka fa ba di baakanyeditseng le ka fa ba kgonneng ka teng mo pulong semmusong ya tsone ka matlhatso kwa Tsabong. A re le ntswa komiti ya bone e tlhaela ka maloko mangwe e bile e le ya boithaopo ba ne ba tshwaragana le maphata a puso mme ba ne ba itoma molomo wa tlase mo go di baakanyetseng le fa ba ne ba na le dikgwetlho tse di farologaneng gore ditshupo tseo di atlege. O ne a galaletsa ba lekalana la Motor Vehicle Accident Fund (MVA) le ba Jwaneng Mine go bo ba ba ema nokeng ngwaga le ngwaga ka go ba thusa ka madi selo se a reng se ba thusa thata go meneganye gore ba kgone go tshwara ditshupo tseo ka ba na le letlhoko la madi. Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo Motshwaralela mookamedi mo lephateng la temo-thuo mo Kgalagadi Rre Bornwell Mabechu o ne a tlhalosa fa e le tsela nngwe ya go ipapatsa mo balemi baruing ba kgaolo eo. Rre Mabechu o kaile fa gape e le go supa tse di mo kgaolong le gone go ithuta mo go ba bangwe ka se ba lemotsha go ipaakanya mo go tseneletseng le gone go phadisana le dikgaolo tse dingwe. O ne a gwetlha banana go inaakanya le tsa temo-thuo ka e le kgwebo e ba ka fetolang matshelo a bone le go tlhamela bangwe mebero le gone go itshetsa ka yone mo isagong. Mogolwane go tswa kwa moepong wa Jwaneng Rre Keodumetse Mosarwa O ne a lebogela taletso a re e a ba tlotlomatsa e le ba moepo go amanngwa le meletlo ya go tshwana le e ka e bile ba ne ba sa tswa go tsaya karolo mo ditshupong tsa Ghanzi bosheng a tlatsa ka gore e tlaa re mo bogaufing ba thsware moletlo wa go tshwana le oo a re go tlaa bo go na le dijo tsa Setswana ka go farologana ele nngwe ntlha ya go tlotlomatsa ngwao e e tswakaneng. A re ka ntlha ya phetogo ya loapi le leuba balemi-barui ba felela ba nna le dikgwetlho tse di amang thuo ya bone le dijwalo ka jalo ba tshwanelwa ke go itepatepanya le seemo seo ka go tshwaragana le baitseanape gore ba kgone go gatela pele mo dingwageng tse di kwa pele. A re ba na le lenaneo le le bidiwang Corporate Social Investment le le remeletseng thata mo temo-thuong a kaya fa ba tlaa tswelela ba thusa ba ba itlamileng go tla ka mananeo a temo-thuo. Rre Mosarwa o boletse fa meepo ya diteemane mo lefatsheng leno e dirile go le gontsi mo go nneng le seabe mo go tlhabololeng lefatshe leno gore le nne se le leng sone mo dingwageng tse di masome a matlhano faesale lefatshe leno le tsaya boipuso. One a gwetlha banana go dirisa sebaka seo sa ditshupo go tsaya malebela ka gore ke bone baeteledipele ba kamoso.BOKHUTLO politics 7 Palapye o tlhorontshiwa ke magodu a leruo Mogolwane wa twantsho bogodu jwa leruo, Assistant Superintendant Joseph Motlhagodi a re sepodisi se tshwentswe ke dipalo tse di golelang pele tsa bogodu jwa leruo kwa Palapye le metsana e e mabapi. A re fa go tshwantshanngwa le mafelo a mangwe, Palapye le metsana e e mabapi di itlhomile kwa pele mo bogodung jwa leruo. Assistant Superintendant Motlhagodi o ne a bua jalo kwa phuthegong ya kgotla e a neng a e biditse go itsise morafe ka di puisanyo tse di tlaa tshwarwang kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi a le masome a mabedi tsa go simolodisa semmuso letsholo la go lwantsha bogodu jwa leruo kwa morakeng wa Lechana. A re bogodu jo bo goletseng kwa godimo jo bo supa fa go tlhokafala gore ba sepodisi, barui, badisa le makalana a a amegang ba eme ka dinao Batswana ba ise ba humanegisiwe ke dirukutlhi. Assistant Superintendant Motlhagodi a re mapodisi ba kopane le tona wa Itshireletso,Molao le Thokgamo ba ne ba thulanya ditlhogo go bona gore go ka buiwa jang ka lentswe le le kwa godimo go lwantsha bogodu jwa leruo ka botshelo jwa Motswana bo ikaegile ka thuo. A re ba ne ba bona go tlhokega go bua ka thibelo ya bogodu jwa leruo ka ga go ise go buiwe ka lentswe le le kwa godimo ka jone. A re go tlaa tshwarwa metseletsele ya dipuisanyo tse lefatshe lotlhe ka bophara mme mo dipuisanyong tse Tona wa Itshireletso, Molao le Thokgamo o tlaa bo a eteletse pele. Assistant Superintendant Motlhagodi re go lwantsha bogodu jwa leruo ke tiro ya mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore a o na le leruo kgotsa jang. O ne a kgothatsa barui go itse leruo la bone ka mo dinakong tse dingwe bangwe ba kgona go begelela mapodisi gore leruo la bone le utswilwe mme ba sa le itse le yone mebala ya lone ba sa e itse. A re seemo se se dira ditlhotlhomiso tsa mapodisi lolea ka go a bo go sena gore ba ka batla jang leruo la bone. Assistant Superintendant Motlhagodi o ne a gwetlha barui go tlhokomela leruo la bone a bolela fa bangwe ba sa tlhokomele leruo mme go motlhofofaletse magodu go le utswa. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Boikokobetso, bopelotelele seikokotlelo sa bogosi Kgosana wa tetlanyo kwa Lekgolobotlo kwa kgaolong ya Borwa, Rre Aupa Mokabedi, a re ga a itumedisiwe ke boitshwaro jwa banana bangwe kwa motseng oo. Kgosana Mokabedi o buile se mo potsolosong bosheng, a gatelela gore go gantsi a bitsa diphuthego tsa kgotla a bua ka boitshwaro jwa banana, mme ga gona phetogo. “Ke kopa batsadi gore ba tshwaragane le rona ele tsela e nngwe ya go thusa go alafa bothata jo,” a bolela jalo. O supile fa dingwe tsa dilo tse di sa ba jeseng monate di dirwa ke bangwe ba banana ba ba inaakantseng le tsa marato ba sa le babotlana. Kgosi Mokabedi o tlhalositse fa a ne a ka alafa seemo se ka go letsa moretlwa, a supa fa jaanong bomadimabe e le gore molao ga o letle. A re banana bangwe ba tlogetse sekolo ka ntlha ya boimana, fa ba bangwe ba inaakantse le nnotagi, diritibatsi le tse dingwe tse di duleng mo tseleng. Kgosi a re gantsi banana ba ba amegang mo ditirong tsa go nna jalo ba simolola botlhoka tsebe fela ba santse ba le mo sekolong se sebotlana sa motse oo. A re gantsi fa batsadi ba tsenya kgalemo, e nna ekete bana ba a utlwa fela ka nakwana, mme morago ba simolole gape, a tlatsa ka gore, go na le ba e reng fa ba kgalemelwa ba fetole ka mafoko a a botlha. “Ke batla go gakolola banana ba motse o, gore ba tlhwaafalele thuto ka ele bokamoso jwa bone, le go ikgapha mo ditirong tse di ka ba senyetsang bokamoso,” a bua. Kgosi Mokabedi o supile gape fa banana ba motse oo ba sena kgatlhego go dirisa mananeo a go itshetsa aa tlhamilweng ke puso. A re ba boitseme mo go tseeng mananeo a tshwana le a thuo ya dikoko le dihutshane ka ga ba na kgatlhego e ntsi mo thuong. O supile fa ba supa kgatlhego e ntsi mo kgwebong ya dimausu le tse dingwe tse di bogadi bo gaufi, le go bereka ka fa tlase ga lenaneo la Ipelegeng. “Kena le pelaelo ya gore ka tsela nngwe ba ka tswa ba rata lenaneo la Ipelegeng ka gobo ba sa bereke sepe se se bokete koo,” a supa. Fa a ama seemo sa borukutlhi mo motseng wa gagwe, kgosi a re bogodu jwa leruo bo bontsi thata mo motseng wa Lekgolobotlo. O tlhalositse fa letsholo la kgomo khumo le ise le etele motse wa bone, a re ba le utlwalela fela mo metseng e e mabapi, mme keletso ya gagwe ke gore le goroge le ko Lekgolobotlo. politics 7 Ba-na-le bogole ba thusiwa ka bofefo Puso e itlamile go tlhomamisa gore batho ba ba tshelang ka bogole ba thusiwa ntle le tiego epe fa ba supile keletso ya go ka akola mananeo a puso. Maikemisetso a a puso a gateletswe ke mogokaganya-ditiro tsa ofisi ya tlamelo ya ba-na-le-bogole kwa ofising ya ga Tautona, Rre Thomas Motingwa ka Laboraro fa Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama a etetse kwa Toteng mo kgaolong ya Bokone Botlhaba. Fa a tsibogela matshwenyego a banni bangwe, Rre Motingwa o kaile fa ba-na-le-bogole ba sa tshwanela go tsenngwa mo meleng ya go ka amogela dithuso tsa mananeo a a farologaneng . E ne e rile a itekodisa Tautona Khama, monana wa mo-na-le-bogole, Rre Lesley Kuta, a bolela fa a sale a ikopetse go thusiwa ka dipodi ka ngwaga wa 2014 mme le jaana a sa ntse a letile. A re tiego e, e mo ketefaletsa botshelo ka mo nakong eno go sena sepe se a itshetsang ka sone. Mo-na-le bogole yo mongwe, Rre Mmoloki Chingapane, o ne a itela mo pusong go sekaseka go oketsa madi a itshetso a bagodi. society 9 Morafe o rotloediwa go kwadisa ditsha Banni ba dikgaolwana tsa Kabakae, Kgaphamadi le Khurakhura mo kgaolong ya Ghanzi Botlhaba ba kgothaditswe go kwadisa ditsha tsa bone e le tsela ya go fefosa ditlhabololo. Mafoko a, a builwe ke modulasetilo wa komiti ya khansele-potlana ya Ghanzi Botlhaba, ebile e le mokhanselara wa kgaolwana ya Kabakae, Rre Bashi Thiite fa a buisa diphuthego tsa kgotla mo dikgaolong tseo bosheng. Rre Thiite a re kwadiso ya ditsha e botlhokwa ka e thusa mo go direng mealo ya ditlhabololo tsa motse. A re maikaelelo a diphuthego tsa gagwe e ne e le go lemotsha Batswana botlhokwa jwa go kwadisa ditsha le go ba itsise fa khansele e similotse go ba direla ditlankana (title deed) mahala. Rre Thiite a re diphetogo tse di tlaa thusa Batswana go ka dirisa ditsha tsa bone go adima madi mo makalaneng a a farologaneng a puso, a a ikemetseng le go dirisa mananeo a tshwana le la SHHA go tlhabolola ditsha tsa bone. O tlhalositse fa lenaneo la SHHA le ka thusa Batswana go aga matlo ba tshwaragane le Botswana Housing Cooperation (BHC) kana (Turnkey) le le thusang ka madi a a kanang ka P90 000 le la go tlhabolola dikago le le thusang ka madi a P60 000 otlhe a duelwa mo lobakeng lwa dingwaga tse di masome mabedi. Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa a tshwenngwa ke banana ba a reng ba goga maoto go ikopela ditsha, a re e re le ntswa motse wa Ghanzi e na le batho ba ba emetseng go bewa ba feta dikete tse nne, banana ba tshwanetse go tlhagafalela go ikopela ditsha. A re mo nakong eno motse o setse o na le ditsha tse di potietsweng di le sekete le makgolo a marataro, tse e tla reng morago ga khansele e sena go bona madi a go isa ditlamelo kwa go tsone, e bo e baya banni. A re mo ditsheng tse go akareditswe tsa dikereke, dikgwebo, madirelo ga mmogo le bonno. Rre Thiite o ne gape a gakolola batsadi go tsibogela dikgang tsa go kgaoganya boswa ka bonako le ka keletlhoko go itsa go losa bajaboswa, a re se se ka thusa go fokotsa dipalo tsa ditsha tse di sa kwadisiwang le tse di sa tlhabololwang. Rre Thiite o ne a gakolola ba ba adimeleng madi a SHHA go aga le go tlhabolola ditsha tsa bone le go a busa, ka lenaneo le le diretswe go thusa Batswana, mme madi one a ba a busang ke one a a adimiwang ba bangwe gore le bone ba itlhabolole. Fa a tswa la gagwe, mogolwane go tswa kwa lephateng la SHHA mo Ghanzi, Mme Motsei Moutswi o ne a gakolola banni ba dikgaolwana tseo go dirisa diofisi tsa bone, ka e bile maikaelelo a bone e le go rurifatsa fa Batswana ba na le bonno. Fa ba ba kgwa dikgaba, banni ba ne ba supa fa ba sa itumedisiwe ke lobaka lo loleele lo ba lo nnang ba sa bewe ditsha, ba re se se baka gore ba felele ba nna le batsadi ba bone mo malwapeng. Ba kopile gore mo peong ya ditsha e e latelang, go nne le thulaganyo e e faphegileng e le go akaretsa ba-na-le bogole ga mmogo le ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. BOKHUTLO politics 7 Kgang ya lefatshe e matswakabele - Makgato Tona wa merero ya setshaba, mesepele le tsa bong, Mme Dorcas Makgato a re dikgang tsa lefatshe di tlhokana le gore di tsewe ka manontlhotlho ka di kgona go lotlhanya merafe. A re dikgang tsa lefatshe ke tsone mo lefatsheng ka bophara di lotlhanyang batho, ka jalo ga di a tshwanela go tsewa motlhofo. Mme Makgato o ne a tsibogela mafoko a Kgosi wa Pilikwe Kgosi Gasebalwe Seretse kwa phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa motseng oo bosheng. Kgosi Seretse o ne a re ga a itumedisiwe ke lekgotla la kabo ditsha la Sefhare le a neng a bolela fa le sa tsamaise dilo dingwe sentle mo motseng. Kgosi Seretse o ne a re go na le dingwaga go ntse go na le dikgang tse di amang ba kabo ditsha mo motseng di tshwana le tsa go abela batho ba feta bongwe setsha se le sengwe e bile di ama ba motse wa gagwe, Mhalapitsa le wa Lecheng. A re ba kabo ditsha ba itse selelo sa gagwe mme ga ba dire maiteko ape a go kopana le ene mme seo se tlaa felela se bakile tlhoka kutlwisisanyo A re go a gakgamatsa gore go bo go na le tlhakatlhakano eo mme metse e e amegang e le kgakala le motse wa gagwe. A re bangwe ba kgona go bewa mo Pilikwe mme go twe ba beilwe mo Mhalapitsa kana Lecheng. A re kgang e nngwe e e tshwenyang ke ya boradikgwebo ba ba batlang go bula dikgwebo mo motseng mme ba kabo ditsha ba sa ba fe ditsha ntswa di le teng. O ne a fa sekai ka bangwe ba ba kileng ba kopa lefatshe kwa motseng wa gagwe ba re ba aga sekole mme morafe wa dumela. A re fa ba sena go bewa bangwe ba bo ba tla ba re lefatshe ke la bone. O ne a ikuela mo go ba kabo ditsha go ithulaganya sentle, a bolela fa dikgang tsa lefatshe di utlwisa banni botlhoko. Mme Makgato o ne a re kgang ya Pilikwe e batla e tsibogelwa, ka jalo o ne a solofetsa banni ba Pilikwe gore o tlaa rulaganya gore ba kabo ditsha, kgosi le tona yo o maleba ba kopane go rarabolola kgang ya bone. BOKHUTLO society 9 Go supa moeng go botlhokwa - Kgosi Modiro Kgosi wa Zoroga kwa kgaolong ya Tutume, Rre Thomas Modiro a re go supa moeng fa pele ga lekgotla go botlhokwa. A re fa moeng a supilwe, morafe o a mo itse mme ere a batla thuso a e bone. O buile jaana mo phuthegong ya motse a re ditsala le masika di supiwe kwa lekgotleng go kganela ditlamorago tse di sa siamang jaaka borukutlhi. Kgosi Modiro a re banni ba Zoroga ba nna fela le batho ba sa itse kwa ba go tswang mme morago fa ba nna le mathata ke gone ba tle lekgotleng go tla go kopa thuso. “Batho ba nna fela le batho ba sena bo Omang mme morago o fitlhela go nna thata gore ba ka bona dithuso mo motseng,” a tlhalosa. A re le fa ba batlisisa go leka go bona gore motho o tswa kae go nna dingalo e bile go felela go sena lesika kana ope fela wa kwa a tlholegang teng. Kgosi Modiro a re bangwe ba batho ba ba etelang mo Zoroga ba gana go tsaya karolo mo ditirong tsa boithaopo tsa ditlhabololo tsa motse ka ba tlhalosa fa ba tlaa di dira kwa ba tlholegang teng mme tse dingwe tse ba lemogang gore ba a boelwa tsone ba di dire. A re gape bangwe ba na le mokgwa wa go tlhomaganya metse, maikaelelo e le go tsamaya ba bereka Ipelegeng ba dira madi ka yone. A re komiti ya ditlhabololo tsa motse e thapa babereki ba Ipelegeng ba ba tlodisa gore batho botlhe mo motseng ba kgone go bona sebaka sa go bereka, ka jalo batho ba ba tsamaya ba tlatsa diphatlha tsa motse mme morago ba tsamae. A re seo se dira gore banni ba motse ba seka ba bona diphatlha mo Ipelegeng gape se die ditlhabologo tsa matshelo a beng ba motse. O tlhalosa fa batsadi ba bangwe ba tsaya bana mo masikeng a bone ba tla go nna le bone mme ba sena ditlankana tsa matsalo. A re se se dira gore go nne thata gore ngwana a bone dithuso tse di maleba jaaka go tsena sekole kana go kwadisiwa gore a thusiwe ke ba lephata la boipelego le tsone tsa botsogo tota. Kgosi Modiro o rotloeditse batho ba ba ipeileng lobaka lo lo leele go tsenya dikopo tsa peo ditsha tsa motse gore ba nne le malwapa a e leng a bone, a re gape seo se tlaa supa fa ba na le boikarabelo le boikanyego mo motseng. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Go tlhokafetse ba le batlhano Batho ba le batlhano mo go bone go le basadi ba le bane le monna ba tlhokafetse mo dikotsing tsa tsela bosheng. Mogolwane wa mapodisi a Dibete, Superintendent Phineas Makwaeba o boletse mo potsolotsong le BOPA gore basadi ba le bane ba tlhokafetse fa khombi e ba neng ba tsamaya ka yone e pitikiloga mo tseleng ya A1 gaufi le Mmamabula bosheng. A re mo bathong bao, ba ba neng ba le lesome le bone ka mokgweetsi go tlhokafetse batho ba le bane fa ba le lesome ba robaditswe mo kokelong ya Mahalapye ka dikgobalo tse di farologanyeng. Superintendent Makwaeba o tlhalositse fa batho bao, ba diragaletswe ke kotsi eo fa ba ne ba tswa kwa Kgatleng ba ya lonyalong kwa Bobonong. A re mokgweetsi o ne a latlhegelwa ke taolo, mme khombi ya tswa mo tseleng, ya bo ya pitikologa motshegare ka nako ya lesome le bobedi. Mo Mahalapye mogolwane wa mapodisi a pharakano, Assistant Superintendent Kgosienalerona Sechoni, o bolela fa ba tlhotlhomisa kotsi e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome mane le botlhano wa Malotwane kwa Kgatleng, a tlhokafetseng a sena go welwa ke terekere ka Labotlhano wa beke e e fetileng kwa Capricon. Assistant Superintendent Sechoni o boletse mo potsolotsong gore moswi o ne a le mo tirong ya go kgweetsa terekere e e kgaolang bojang mo tseleng ya A1, mme ka go tlhoka lesego terekere ya relela,mme ya pitikologa go fithelela e mo wela fa godimo. A re ka nako ya tiragalo eo, moswi yo maina a gagwe a sa ntseng a lobilwe go fithelela ba masika ba itsesiwe, o ne a le nosi mo tirong, mme a bolela fa mapodisi a begetswe tiragalo eo ke batho bafeti ka tsela. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Tirisano e a fokola Ba twantsho borukutlhi kwa Nshakashogwe mo kgaolong-potlana ya Tutume ba supile fa tirisano mmogo mo motseng e sa itumedise. Mme Kegoromemang Chidabi yo e leng mogolwane wa ba tlwantso borukutlhi o tlhalositse fa bontsi jwa batho ba bipa mpa ka mabele fa go tla nako ya gore ba ba thuse mo ditlhotlhomisong tsa borukutlhi. A re se se dira gore tiro ya bone ya go fokotsa borukutlhi mo motseuing e seka ya atlega mme a re go tlhoka tirisano mmogo go dira gore bontsi jwa dirukutlhi di seka tsa tshwarwa tsa arabela melato ya tsone. O boletse fa bangwe ba bua dikgang tsa matshosetsi fa ba ba gakolola go kgaogana le mokgwa wa go nna le batswakwa mo malwapeng kana go ba thapa kwa merakeng ya bone ba sena dibuka tsa mesepele le diteseletso tsa go bereka mo lefatsheng leno. A re batho ba tshwanetse go itse fa ba twantsho borokutlhi tiro ya bone e le go ba sireletsa mo dirukutlhing e seng go lwa le bone kana go ba bona molato. Mme Chidabi o ne a ba gakolola gape gore go itseela molao mo matsogong ke molato o motho a ka felelang a ile kgolegelong. O tlhalositse fa ba leboga botlhe ba ba ba emeng nokeng mo tirong ya bone, a ba kopa go tswelela ba dirisana mmogo le bone. Mme Chidabi o tsweletse ka go tlhalosa fa ba kgona go bereka bosigo mme se se ba ba baya mo diphatseng ka ba tsamaya fela ba sa tshola sepe sa boiphemelo.O supile fa keletso ya bone e le go rutwa sepe se se tsamaelanang le molao le go fiwa makwalo fa ba fetsa go ithaopa ka se se ka ba thusa fa ba batla sekole kana tiro e e dirang le melao. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Mapodisi a Tlokweng a tlhotlhomisa petelelo Mapodisi a Tlokweng a tshwere banna ba le babedi go ba thusa ka ditlhotlhomiso mabapi le tiragalo e mo go yone go beteletsweng mosetsanyana wa dingwaga tse di lesome le bone kwa Modipane. E rile a bua mo potsolotsong, mogolwane wa mapodisi a Tlokweng, Superintendent Lebalang Maniki, a bolela fa mosetsana a ne a ile kwa lwapeng la mongwe wa babelaelwa, mme ba feta ba itseela dikobo ka dikgoka. Rre Maniki o boletse fa babelaelwa e le mosimane wa dingwaga tse di lesome le borataro le rre wa dingwaga tse di masome a matlhano le boraro. O supile fa ba sa ntse ba tsweletse ka ditlhotlhomiso, mme babelaelwa ba tla a itshupa kwa lekgotleng la ga mmakaseterata mo bogaufing. Superintendent Maniki a re dikgang tsa petelelo di a tshwenya fela thata mo kgaolong ya gagwe, a bo a kopa borre ba ba tsweletseng ka go betelela go emisa go dira jalo, ka se e le go tsuolola ditshwanelo tsa bomme le go ba bakela malwetse a tlhakanelo dikobo. O boletse gape fa ba tshwenngwa ke dikgang tsa go itewa ga bomme, e bile a tlhalosa fa ba begetswe dikgang tseo di ferabobedi mo malatsing a le mararo, mme dikgang tse di ama batho ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le masome a mane le botlhano. O boletse fa mo go tsone dikgang tse gape, go na le tsa banyalani. O ne a kopa borre go tlotla bomme, le gore ba kope thuso mo batsading, dikgosi le bagakolodi fa go na le kgang. O kopile borre ba ba tlwaetseng go betsa bomme go emisa go dira jalo, mme a supa fa dikgang tse dingwe e le tsa baratani ba ba setseng ba kgaogane, a bo a tlhalosa gore fa baratani ba setse ba kgaogane, ba na le tshwanelo ya gore mongwe le mongwe wa bone a tswelele ka botshelo jwa gagwe. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Khama o kopela Keleeme tlhopho kwa Mmadinare Rre Tshekedi Khama o kopile banni ba Mmadinare go tlhopha Mme Felicity Keleeme wa Botswana Patriotic Front (BPF) ka a le boikanyego e bile a itse matshwenyego a batho ba Mmadinare. Fa a rola ntlhopheng yo wa bopalamente kwa Mmadinare ka Tshipi, Rre Khama, yo eleng leloko la BPF, o ne a bolela fa Mme Keleeme a na le dithuto tse di faphegileng mme a ka kgona go emela dikeletso tsa batho ba Mmadinare. Rre Khama a re pathi ya gagwe e eletsa go bona Batswana ba tshela botshelo jo bo botoka mme e ikaelela go tlhamela Batswana diphatlha tsa mebereko. A re go a tshwenya gore pathi e e busang ya Botswana Democratic Party (BDP) e be e palelwa ke go bula moepo wa BCL gore ba ba neng ba latlhegetswe ke ditiro ba boele mo ditirong tsa bone gape. A re BDP e itlamile go busetsa babereki ba ba neng ba kgaotswe mo ditirong morago ga ngalo ditiro mme e palelwa ke go dira jalo ka babereki ba moepo wa BCL. Fa a tswa la gagwe, mothusa moeteledipele wa phathi BPF, Mme Caroline Lesang, o kopile bomme s go tlhopha mme jaaka bone. A re bomme ba ikwadisetsa ditlhopho ka dipalo tse di kwa godimo go feta borre mme ga ba nke ba tlhopha bomme jaaka bone. A re Mme Keleeme o tshwanelwa ke go isiwa palamenteng go ya go tsholetsa lentswe la bomme gore dikgwetlho tse di ba amang di begwe kwa palamenteng, segolo jang ka a di tlhaloganya botoka. Mme Lesang a re phathi ya gagwe e itlama go tokafatsa tsa botsogo, a tlatsa ka gore phathi e e busang e paletswe ke go fa Batswana ditirelo tsa botsogo tse di botoka ka lefatshe leno le santse le na le tlhaelo ya dingaka le melemo. A re BPF e ya go tlhabolola tsa temo-thuo le ditsela e bo e fokotsa dingwaga tse bagodi ba amogelang ka tsone go tswa kwa go masome marataro le botlhano go ya ko go masome marataro. Fa a tswa la gagwe, Mme Keleeme o ne a kopa banni ba kgaolo ya Mmadinare go mo ema nokeng. A re fa ba ka mo roma, ba tlaa bo ba romile moemedi wa nnete yo itseng tsamaiso ya nnete, a tlatsa ka gore phathi ya BPF e tlhametswe mo tumelong. O kopile banni ba Mmadinare go tshepha BPF ka e na le kemonokeng ya bogosi. Mme Keleeme a re ga gona lepolotiki lepe le le nang le morafe a tlhalosa fa dikgosi e le tsone fela tse di nang le morafe. A re phathi ya gagwe e ikaelela go tsisa kgololesego le tsamaiso ya nnete ee tsayang batho ka tekatekano. O rotloeditse banana go tlhopha ka dipalo tse di kwa godimo, a tlatsa ka gore moroto wa esi ga o ele. BOKHUTLO politics 7 Kelatlheletswe o itomile molomo wa tlase Mme Kebofilwe Kelatlheletswe o ikiteile sehuba go itshetsa ka go apaya le go rekisa dijo tsa Setswana mo tseleng ya Orapa le Letlhakane. Mme Kelatlheletswe a re o simolotse kgwebo ya gagwe morago ga go lemoga fa ngwao, bogolo jang ya dijo tsa setso e nyelela mo lefatsheng. “Batswana ba tumile thata ka go ja dijo tsa sekgoa mme ba botsogo ba tlhalosa fa di sa siamela botsogo ka di baka mmele o motona mme morago di tsise malwetse a tshwana le jwa madi a matona le yone kankere tota, ”ga tlhalosa jalo Mme Kelatlheletswe. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, o boletse fa a dirisa molelo wa dikgong go apaya dijo di tshwana le bogobe jwa lerotse, morogo wa dinawa le wa lephutshe, lebelebele, seswaa le mokoto gareng ga tse dingwe. A re bontsi jwa bareki ba gagwe ke bajanala ba ba yang go bona Makgadikgadi, babereki ba meepo ya Orapa le Boteti ba ba fetelang kwa ditirong, bakgweetsi ba dikoloi tsa megobagoba ga mmogo le badirisi ba tsela ba ba sa batleng go tsena mo motseng. Le ntswa go lebega fa Mme Kelatheletswe el e setswerere sa kapei, o tlhalosa fa a sa ya sekoleng sa kapei mme a ithutile go apaya mo go mmaagwe yo le mo nakong eno e leng morotloetsi wa gagwe yo mogolo. Fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe, Mme Kelatlheletswe o tlhalosa fa kgwebo ya gagwe e na le dikgwetlho ka go bo dijo tse a di apayang di bonala ka dipaka mme e re paka ya letlhafula e sena go feta, go nne thata gore di bonale. Mme Kelatlheletswe o tlhalosa gape gore go simolola kgwebo go ne go le bokete ka go bo a ne as a bereke. Mo nakong ya gompieno o ikaelela go aga moriti o o tlaa sireletsang bareki ba gagwe mo diemong tsa loapi tse di sa iketlang. Fa dikeletso e ne e le dipitse, mo dingwageng tse some tse di tlang, Kelatlheletswe o eletsa go ipona a na le marekisetso a magolo a dijo tsa Setswana ebile a tlhametse Batswana ka ene ditiro. economy_business_and_finance 3 Banni ba atla letlole la madi a ditlhabololo Bogogi jwa metse ya Mogapinyana le Kgagodi jwa re madi a ditlhabololo a dikgaolo a ba tsiseditse ditlhabololo tse ba sa bolong go di letela. Ba buile se mo diphutheng tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila bosheng. Le fa go ntse jalo, Kgosi Gothatamang Kedikilwe wa Diloro ga a itumedisiwe ke ka fa ditlhabololo di dirwang ka teng kwa motseng wa gagwe, a supa faditirotsa ngwaga wa 2017/18 di santse di le kgakala le go wela. Rre Mzwinila o lebogetse tirisano mmogo ya gagwe le banni, a tlhalosa fa ba kgonne go dira ditiro dingwe tse ba neng ba di ipeile pele mme tse dingwe di sa kgonega mme a ba rotloetsa go tswelela ba tshwaragane go re tse di saletseng kwa morago ba di kgone. Rre Mzwinila o ne a lekodisa banni ka melao e e sa tswang go dumalanwa kwa palamenteng. A re le fa molao walefatshe o fetotswe, dikgwetlho tsa tlhaelo ya lone, go tsenngwa ditlamelo jaaka metsi, ditsela le tse dingwe go ne go sa fetoge. O supile fa go tlhabolola ka na go tsenya ditlamelo kwa mafelong a masha go le turu ka setsha sa bonno se le sengwe se tlhoka P125 000 mme se, se baka gore batho ba tseye dingwaga tse dintsi ba letetse go abelwa ditsha. E ntse e le mo go tse di amang le tiriso ya lefatshe, o supile fa molao wa kabo ditsha wa pele o ne o letelela gore motho o ka dirisasephato sa lesome le botlhano mo lekgolong sa tshimo go ka dira kgwebo e tshwana le thuo ya dikgomo. Rre Mzwinila o supile fa seo se fetotswe go letlelela gore go dirisiwe sephato sa masome a matlhano mo lekgolong go dira kgwebo. A re se se ka dirwa fela fa motho a ikopantse le lephata la kabo ditsha. society 9 Bangwaketse ba gana nang wa banyana Morafe wa Bangwaketse kwa Kanye o ganne phatlalatsa therisano ya puso ya go bapatsa bontlha bongwe jwa polase ya Banyana e e tshwaragantseng Kgalagadi le Ga-Ngwaketse. E rile ba bua mo phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko le le neng le romilwe ke puso gore ba ntshe megopolo ka bontlha bongwe jwa polase ya Banyana e puso e batlang e bapaletswa barui ba ba tla dirang dikgwebo tsa temo-thuo mo go yone le go thusa gore go dirwe eng ka babereki ba polase eo, mongwe wa dibui, Rre Ketumile Kaboeamodimo a bolela fa morero o tsile go le thari e bile ba filwe nako e khutshwane go sekaseka mogopolo mo godimo ga moo o gateletse fa go ka se kgonege gore puso e tseye polase eo. Rre Mpho Kenosi o boletse fa puso e latlhile tsamaiso fa go tla mo go tsa therisano ka gore khuduthamaga e dirile fela e sa rerisa kgosi, mapalamente le morafe, fa Rre Keorapetse Dingalo ene a boletse fa morafe wa Bangwaketse o kgokgontshiwa ka lefatshe la bone mme e bile therisano e sa tsamaye sentle. Rre Kabelo Gasennelwe ene a re kgang ya lefatshe e tona thata ka jalo e batla e tseelwa nako e telele gore Bangwaketse ba nne le seabe ka lefatshe la bone. O boletse fa lekgotla la balemi-barui le sa rerisiwa mme e bile a bolela fa dipolase dingwe kwa Banyana di neetswe batswakwa. Fa a ntsha la gagwe, modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Leach Tlhomelang o supile fa kgang eo e se ntsha mme a bolela fa khuduthamaga e setse e tsere tshwetso jalo a kopa gore dipolase tse di bolelwang di fiwe batlhoki gore ba ruele dipudi tsa LIMID mo go tsone ka gore di bogadi bo gaufi e bile ba ka phunyediwa sediba mo teng. Le fa gontse jalo, mookamedi wa polase ya Banyana, Rre Hudson Gabaitsi, o boletse fa thulaganyo ya go dira dipolase tsa Banyana tsa kgwebo e simolotse ka 2010, fa mohama o mongwe wa polase o ne wa segwa dipolase di le lesome mme di ferabobedi di filwe bagwebi morago ga go di bapatsa, e le nngwe ya fiwa babereki ba teng. A re tse tlhano di tserwe ke batswakwa fa tse nne di tserwe ke Batswana. O tsweletse a re lefatshe le go buiwang ka lone la sehuba, bontsi ja lone bo mo Kgalagadi, mme Bangwaketse ba rerisiwa gore le bone ba ikopele, ba iteke lesego, a bolela gore lefatshe leo ke la puso, la dipolase tse di lesome e ne e le lone la Bangwaketse. Kgosi kgolo ya Bangwaketse, Kgosi Malope II, o boletse fa a sa itumelela ditshwetso tsa puso le therisano ya yone gotlhelele. BOKHUTLO society 9 Mogote o phirimisa ditoro Balemi barui ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba lela ka mogote o o feteletseng o o aparetseng kgaolo ya bone ka ntlha ya dipula tse di boutsana tsa paka eno ya temo. Monana yo o itshetsang ka temo kwa motseng wa Gungwe, Mme Mpho Zimundu o boletse fa e le lantlha e re ba lemile pula e bo e sa ne lebaka le le leele jaana, ka e sale e nele labohelo ka Hirikgong. Mo potsolotsong bosheng le lekala la dikgang la BOPA, Mme Zimundu o boletse fa a lemile ka kgwedi ya Morule e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bongwe, ngwaga o o fetileng, mme fela tshimo ya gagwe e sa kgatlhe ka mogote o fekeetsa dijalo tsa gagwe. A re o ne a ikaeletse go tla go rekisa thobo ya gagwe go dira letseno le ka lone a neng a ya go teratelela tshimo ya gagwe e mo nakong eno e ageletsweng ka matlhaku. O boletse fa se jaanong go lebega se tlaa pala ka dijalo di tshubilwe ke letsatsi. Mme Zimundu a re le fa gone a lela ka pula jaana, o tshwenngwa thata gape ke leruo segolo jang dipudi, tse a kaileng fa di baka tshenyo e ntsi mo masimo. A re le dijalo tse di neng di ka tsoga fa pula e ne e ka na jaanong ga di sa tlhole di solofetsa ka ntlha ya tshenyo e. Mme Zimundu a re le fa dijalo tsa gagwe di tshubilwe ke letsatsi, o na le tsholofelo ya gore fa pula e ka na, dijalo dingwe di ka tsoga ko ntleng ga mmidi, ka one o babalelwa ke letsatsi bobe. O boletse gape fa go se motlhofo go tlhagola ka gore mmu o omile fela thata, mme a supa fa temo monongwaga e mmaketse ditshenyegelo fela tse mo go tsone a sa yeng go oba letsogo ka tsela epe. E ntse e le gone kwa motseng wa Gungwe, Mme Silvia Khondwane, yo e leng molemi morui o boletse fa diruiwa tsa gagwe di ya go bolawa ke tlala ngwaga ono ka bojang bo tshubilwe ke letsatsi bo ntse bosetlha. Mme Khondwane o boletse gape fa le ene a sa robadiwe ke boseyong jwa pula, a supa fa le ene dijalo tsa gagwe di shele mo a sa solofeleng thobo e e nametsang. A re o ne a ikaeletse go rekisa tse a neng a tla bo a di robile gore a kgone go itshetsa le ba lelwapa la gagwe. Mme Keitsheletse Steven, yo e leng molemi mo Masunga ene o boletse fa a sa solofela thobo e e nametsang e a tleng a e bone. Mme Steven a re le fa gone pula e seyo, go ka bo go le botoka fa letsatsi le ne le se bogale thata ka jaanong le bolaya dijalo. O boletse fa a na le tsholofelo e ntsi ya gore fa pula e ka na o ka kgona go roba sengwe ka dijalo tsa gagwe di sa sha tsotlhe. economy_business_and_finance 3 Komiti ya Ditshegwane e thusa batlhoki Mo maitekong a go tsibogela ikuelo ya ga tautona ya go agela ba ba tlhokileng lesego le go ba neela seriti mo setshabeng, komiti ya ditlhabololo ya motse wa Ditshegwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba tshwaragane le morafe ba eme ka dinao go tlhabolola le go fetola matshelo a ba ba kobo di magetleng. Mo puisanong bosheng, modulasetilo wa komiti eo, Mme Tshoganetso Lebuletswe o tlhalositse fa a lemogile fa go tlhoka bonno e le kgwetlho e e tshwenyang thata kwa motseng oo ka bangwe ba sena fa ba latsang tlhogo teng gotlhelele mme a supa fa maitlamo a bone e le go leka ka bojotlhe go tsholetsa matshelo a batho bao. O kaile fa ba setse ba agetse batlhoki bangwe ba le babedi matlo mme mo nakong eno ba agela mo-na-le bogole ntlwana ya boitiketso le go feleletsa ntlo ya gagwe ya boroko, tse a supang fa a tla di abelwa mo nakong e e sa fediseng pelo. A re ba bone go tshwanela go tsibogela kgang ya bonno pele ka e le kononoko ka gonne motho o ka di tlhoka tsotlhe mme fa a na le fa a latsang tlhogo teng o ikutlwa e le motho mo setshabeng e bile a na le seriti. Mme Lebuletswe a re toro ya bone e le maloko a komiti ke go bona bontsi jwa batlhoki ba na le fa ba latsang tlhogo teng ka jalo a supa fa tshwaragano le kemonokeng e e supiwang ke morafe e tla a ba thusa go fitlhelela toro ya bone. O akgotse morafe go menagane, a kaya fa bangwe banana ba ba nang le botsipa jwa kago ba ithaopile go thusa go aga ntlwana eo ya boitiketso mme a bolela fa mowa oo wa lorato o tlhokafala fela thata mo setshabeng ka kakaretso. O tsweletse a supa fa ba thusiwa ke madi a khiriso ya matlo a komiti ya ditlhabololo jalo a leboga botlhe ba ba a hirisitseng ka ba duela sentle e bile go na le tirisano mmogo magareng ga bone ntswa gone bangwe ba ba kileng ba hirisa matlo ao ba na le melala. Mme Lebuletswe o tsweletse a supa fa ba ikaeletse go simolodisa lenaneo la go kopa dithuso mo dikomponeng tse di ikemetseng le mo bagwebing gore ba kgone ba tswelele ka go agela batlhoki ba bangwe ka jalo a ikuela mo go ba ba atlegileng go tsholetsa ba ba kobo di magetleng gore botshelo jwa bone bo tokafale. Go ntse go le foo, Mme Lebuletswe o kaile fa ba lemoga e bile ba lebogela maiteko a puso a go namola Batswana mo lehumeng la nta ya tlhogo le ntswa gone ba santse ba lebanwe ke kgwetlho ya go goroga ka bonya ga mananeo kwa motseng wa bone. A re bontsi jwa morafe bo ikopetse mananeo ka dipalo tse di kwa godimo e bile bangwe ba atlegile mme fela go tsere lebaka gore ba abelwe dithuso. O ikuetse mo go ba ba maleba go tsibogela go ba thusa ka go dira jalo go ka thusa go fokotsa lehuma mo lefatsheng leno. BOKHUTLO society 9 Ntwa kgatlhanong le kanamo ya HIV e tlhoka boineelo Banana ba kopilwe go ema puso nokeng mo maitekong a yone a go lwantsha kanamo ya HIV. Kopo e, e dirilwe ke molomaganya ditiro tsa lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Phineas Kgare, fa a bula semmuso segopotso sa kgwedi ya banana kgatlhanong le HIV/AIDS kwa Masunga bosheng. Rre Kgare a re puso e tshwere ka thata go tlhomamisa gore mogare o tlaa bo o nyeleditswe gotlhelele ka ngwaga wa 2030. A re mme puso ka nosi e ka seke ya kgona go fitlhelela kwa tebelopeleng e. A re tshwaragano le go tsiboga ga setshaba ke gone fela mo go ka thusang puso go fenya ntwa kgatlhanong le mogare wa HIV, ka jalo a gwetlha banana go di goga kwa pele mo go lwantsheng seemo se. Rre Kgare o tsweletse a kopa banana go tsaya boikarabelo jwa go laola maikutlo a bone le ka fa ba dirang dilo ka teng. A re go itse seemo sa bone go tla ba baya mo maemong a a siameng go ka tsaya ditshwetso tse di maleba ka dinako tsotlhe jaaka go tila go tsenwa ke mogare le go sala morago mekgwa ya tlhomamo ya tsa tlhakanelo dikobo. Rre Kgare a re go a gakgamatsa go bona banana ba tsweletse ka go tsenwa ke mogare lentswa puso e dirile maiteko otlhe a go ba tlhamela mananeo a dithuso, a a ka thusang go ba bopa go nna Batswana ba ba nang le boikarabelo. O ne a supa gape fa go ngomola pelo go bo lefatshe leno e le lengwe la a di gogang kwa pele mo kanamong ya HIV/ADS, a bolela fa dipalo di supa fa lefatshe leno le le mo maemong a boraro lefatshe ka bophara mo seemong sa bolwetse joo. Ka jalo Rre Kgare o ne a gakolola banana go tswa ka mananeo a a ka ba thusang go fitlhelela maikemisetso a bone a go lwantsha segajaja sa HIV/AIDS, a bo a supa botlhokwa jwa gore batsadi ba tshwanetse ba tsena letsatsi leo, go utlwa maikutlo a banana. A re go nna teng ga batsadi go ka ba thusa gore ba godise bana ba bone ka boikarabelo jo bo maleba. Fa a tswa la gagwe, mooki kwa kokelong ya Masunga, Rre Mbati Basupi a re batho ba tshwanetse go itse fa go iphitlhela ba na le mogare e se phelelo ya botshelo mme ba kgona go tshela sentle, fela fa ba tsaya kalafi ya bone ya diritibatsi ka fa tshwanelong. Rre Basupi a re go a tshwenya ka jaana bangwe ba santse ba le maoto a tshupa go tsaya boikarabelo jwa go sala morago ditaelo tsa ba bongaka, mo ba felelang ba sa nwe diritibatsi ka tshwanelo kgotsa ba di phuaganya gotlhelele. E ne e rile a lekodisa banana ba kgaolo ya bokone botlhaba ka seemo sa HIV/AIDS mo kgaolong, molomaganya ditiro tsa HIV/AIDS mo kgaolong eo, Rre Chris Moseki o ne a bolela fa seemo sa bolwetse joo mo nakong eno mo kgaolong e le 17.7 per cent, a supa fa seo e le palo e e kwa godimo thata. Le ene fela jalo o ne a kopa banana go lwantsha HIV/AIDS ka gotlhe mo ba nang le gone, a gatelela botlhokwa jwa gore borre ba inaakanye le lenaneo la go rupa, ka seo se supagetse se fokotsa kgonagalo ya go tsenwa ke mogare. health 6 Ba tla bona fa ba latsang tlhogo teng Mopalamente wa Tswapong Bokone, Rre Prince Maele a re go tla agiwa matlo a bana ba sekole a boroko kwa sekoleng se segolwane sa Maunatlala. Fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng ya Seolwane, Mokokwana, Mosweu le Maunatlala bosheng, Rre Prince Maele o boletse fa puso e arabile selelo sa banni sa gore go agiwe matlo a boroko kwa sekoleng seo ka go bonwe madi a dikago tseo. A re bana ba ba tsenang kwa sekoleng se segolwane sa Maunatlala mme ba tswa mo metseng e e mabapi ba tsamaya sekgele se se telele go ya sekoleng, ka jalo ke bone ba ba tla fiwang monyetla wa go ka nna mo sekoleng fa dikago tseo di wela. Mopalamente a re dikago tse di tla agiwang di akaretsa matlo a le mabedi a borutelo; matlo a le mararo a barutabana; ntlo ya boapeelo; matlo a le mabedi a boroko, otlhe e le a matlhatlaganyane le matlo a batlhokomedi ba bana ba ba tla nnang mo sekoleng a le mabedi. Mo go tse dingwe, Rre Maele o ne a itsise banni fa puso e simolodisitse lenaneo la tirelo setshaba mme le le pharologanyo le le le neng la fedisiwa mo dingwageng tse di fetileng. A re banana ba ba dingwaga tse di magareng ga masome a mabedi le masome a mararo ke bone ba ba tla akolang lenaneo le. O tlhalositse fa go sa kgathalesege gore monana wa dingwaga tseo o nna sebaka se se kae mo lenaneong leo mme molelwane e tlaabo e le dingwaga tsa moithaopi. A re pharologanyo ya Tirelo Setshaba e le e e fetileng ke gore go tlaabo go sa patikiwe gore monana a ka e tsenelela mme go tlaabo go dirwa ka boithaopo, go direlwa mo maphateng a puso ka go farologana. Rre Maele a re moithaopi o tlaabo a fiwa P500 kgwedi le kgwedi gape a beelwa P200 kgwedi le kgwedi yo e tla reng a fetsa a bo a mo newa. A re ga go tlhokafale gore yo o nang le keletso ya go tsena mo lenaneong la Tirelo Setshaba a bo a na le ditlankana dingwe tse di kwa godimo. Rre Maele o ne a itsise banni gape fa letsomo la diphologolo le emisitswe ka puso e ne ya itemogela fa palo ya tsone e fokotsega mo lefatsheng leno. A re tshwetso e e tla thusa gore go tle go batlisisiwe gore phokotsego e e bakwa ke eng. Le fa go ntse jalo, banni ba ne ba leboga puso gobo e sekegetse dilelo tsa bone tsa gore go agiwe matlo a boroko kwa sekoleng se segolwane sa Maunatlala. Ba boletse fa ba kokonelwa ke go duelela bana madi a sepalamo kgwedi le kgwedi, fa bangwe batsadi bone tota ba sa kgone go ka duelela bana bone madi a sepalamo mme ba patelesege go tsamaya sekgela se seleele ka dinao ba ya sekoleng. Ba ne gape ba kopa puso go tsibogela go dirwa ga tsela e e tswang Selibe-Phikwe e ya Martins Drift ka e na le dikhuti tse dintsi. Ba re tsela eo e borai thata mo bakgweetsing ka e kgona go baka dikotsi. Fa a tsibogela kopo eo, Rre Maele o ne a bolela fa tsela eo e ne e le mo lenaneong la ditlhabololo mme ka lefatshe leno le ne la welwa ke seru sa kwelotlase ya itsholelo e ne ya seegelwa fa thoko. A re tsela eo e tla dirwa fa seemo sa itsholelo se ka tokafala. education 4 Maposa o lela ka diphologolo Banni ba Moposa mo kgaolong potlana ya Tutume ba lela ka letshwenyo la ditlou le dibatana tse di sailang mo bonnong jwa batho ka di ba lwantsha gammogo le go bolaya leruo la bone. Ba buile jaana mo phuthegong ya kgotla bosheng fa ba ne ba itekodisa mopalamente Rre Polson Majaga. Ba supile fa ditau, bonkwe, diphiri le matlhalerwa e le dibatlana tse di tseneletseng dihutshane le dikgomo mo merakeng di di bolaya. Modulasetilo wa komiti ya balemi-barui mo motseng, Rre Shadrack Maposa a re dibatana tse di feditse leruo la gagwe gape di a mo lwantshwa e bile o tshela ka ditlhabi tsa tsone. A re ditlou tsone di ja dijalo mo masimo ka di sa laolesege. O supa fa ba sa tshele ba phuthologile ka ntlha ya letshogo la gore diphologolo di ka nna tsa ba tlhasela nako nngwe le nngwe ka di le dintsi mo kgaolong. A re ga ba kgone go tsamaya bosigo ka e le yone nako e di tsamayang thata fa gare ga motse. A re selo se se dira gore ba ikaege fela mo lenaneong la Ipelegeng ka diphologolo di ba phirimisetsa ditoro. O supa fa letlhoko la molemisi le dira gore ba seka ba nwa mananeo a temo moro ka mo sebakeng sa gompieno ba ise ba metelwe temo. A re letlhoko le le dira gore komiti ya balemi-barui e seka ya kgona maikaelelo a yone a go tokafatsa itsholelo ka temo-thuo. Rre Elias Kesekile o supile fa tlhorontsho ya ditau e ile godimo ka ba sa kgone go disa le go phutha diruiwa tsa bone sentle ka ba na le letshogo la gore di ka ba tlhasela. A re go na le terata e e kgaoganyang diphologolo le batho mme diphologolo ke tsone jaanong tse di latelang batho. Fa a tswa la gagwe, Rre Moffatt Mothokamarumo a re mananeo a puso a temo-thuo a ba rotloediwang go itshetsa ka one gammogo le go tlhamela Batswana ditiro ga a ba busetse ka ntlha ya tshenyo ya diphologolo mme seo se busetsa maikaelelo a puso morago, ka jalo ba kopa difofane go tla go kobela diphologolo kgakala le bonno jwa batho jaaka ba ne ba solofeditswe. Rre Taa Nxosa o tlhalositse fa a tshela ka bokoa jo bo bakilweng ke dibatana fa di ne di mo lwantsha, ka jalo o setse ka bogole mo a ka se kakeng a kgona go bereka sepe. A re o na le ditlankana tsa ditiro tsa moepo, mme ga a kgone go itirela sepe ka ntlha ya bokoa joo. O tlhalosa fa a sa itumelele tsamaiso ya mananeo a ba-na-le bogole ka a re mo motseng wa bone ga a goroge. Fa a ba araba mopolamente wa kgaolo ya Nata-Gweta, Rre Polson Majaga a re o itemogetse selelo sa letshwenyo la diphologolo mo motseng wa Maposa. A re bangwe ke digole gape ga ba tshele sentle ka ntlha ya diphologolo. A re temo-thuo e saletse morago mo Maposa ntswa ba rurifaditswe e le Green Zone mme seo se dirwa ke diphologolo tse di tlang mo bonnong jwa bone. A re go utlwisa botlhoko ka ditlou di le dintsi mo kgaolong ya bone ka jalo ba dirise lenaneo la ISPAAD la Cluster fencing go sireletsa temo. A re balemi ba ikokoanye mme morago ba tsenye kopo ya go ka agelelwa masimo ka terata gore ba kgone go bona thobo e e rileng. O ba rotloeditse gore ba seka ba ganelela fa ba abetsweng masimo teng fa thuso e goroga gore ba kgone go agelelwa golo go le gongwe. O ne a ba tlhagisa fa go na le molao o o tlaa dirwang o o bidiwang Human Wildlife Conflict o o tlaa bong e le tharabololo mo manokonokong a diphologolo a ba leng mo go one. A re molao o o tlaa bo o akaretsa gore ba ka thusiwa jang fa ba lwantshitswe kana ba senyeditswe ke diphologo. A re mo dithusong tsa ngwaga ono, go ya go simololwa ka kgaolo ya bone go phimolwa dikeledi. Rre Majaga a re ditiro tsa ditlhabololo tsa motse di tshwanetse go fiwa beng ba motse ka ba le mo motseng o o kgakala le ditlhamelo gore ba kgone go itshetsa. A re mo dikagong tsa madi a dikgaolo tsa botlhophi o tlaa dira gore baagi ba tsee ditsompelo tse di agang mo madirelong a a gaufi le bone gore tiro e tswelele mme morago go duelwe ka one madi a a neng a tshwanetse go reka ditsompelo tseo. BOKHUTLO society 9 Bani ba Ngwapa ba kopile gore ISPAAD e sekasekwe Banni ba Ngwapa ba kopile puso go seka seka gape lenaneo la ISPAAD ka maikaelelo a go le tlhabolola. Ba re lenaneo leo le tlhoka didirisiwa tsa go lema ka ditselana mme ka jalo ba felele ba sa kgone go lema. Ba ntshitse matshwenyego a bone mo phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke mopalamente wa Sefhare-Ramokgonami, Dr Kesitegile Gobotswang. Ba kopile gore lenaneo le seka-sekwe go farologanya balemi ba ba lemelang go jela mo ganong le ba ba lemelang kgwebo. Ba supile fa ba tlhaelelwa ke didirisiwa tse di tlhokwang mo temong ya ditselana jaaka dipolantere, ka jalo seemo seo se ba itsa go lema ka nako mo ba felelang ba bona thobo ee kwa tlase. Ba tlhalositse gore ba tsaya lebaka ba emetse diterekere le didirisiwa tse dingwe tse di tlhokwang mo tsamaisong ya ISPAAD, ka jalo ba supa gore tsamaiso ya lenaneo le ga e ba tswele mosola ka gore ba felela ba siiwa ke bokgola jwa dipula tse di supileng fa di sa ikanyege. Banni ba kopile gore lenaneo la ISPAAD le akaretse mekgwa ya go jwala le go lema ya maloba jaaka go gasa peo. Sengwe gape se se tshwenyang balemi ba Ngwapa ke tlhaelo ya dipeo. Ba re le fa ba kopile dipeo ka nako di tla di tlhaela, mme go bake tiego ya go lema le yone phokotsego ya thobo. Ba gateletse botlhokwa jwa temo ka gore e thusa go ntsha dijo tsa go fepa ba malwapa a bone. E rile a tsibogela matshwenyego a banni ba motse wa Ngwapa, Dr Gobotswang a tlhalosa fa a tlaa ikopanya le badiredi ba puso ba maphata a lebaganyeng go rola dilelo tsa bone. politics 7 Badiragatsi ba kgobokanya madi E ne a ya re mo bosheng ga bo go gatanwa, barati ba mmino wa jazz ba phophoma ka boitumelo, kwa lefelong la maitiso le le tlwaelegileng thata ka go bidiwa Millenium, kwa Mogoditshane. Badiragatsi ba moopelo wa jazz, Benson Phuthego le Bhudaza Mapefane, ba ne ba fepa barati ba mmino le moopelo ka dipina tsa segologolo di tswakantswe le tsa sesha bosigo jotlhe. Mookamedi wa kompone ya Zen promotions, Mme Zenzele Hirschfeld, o ne a rulagantse maitiso ao a mmino, ka moono wa go kgobokanya madi a go diragatsa mangwe a maikaelelo a gagwe, e leng go thusa ba ba tlhokileng lesego. O ne a tlhalosa gore madi a a tlaa kgobokanngwang kwa maitisong ao, a tlaa thusa go rulaganyetsa thutopusiano ya bataki, ya malatsi a le mabedi. A re thutopuisano eo e tlaa bo e itebagantse segolo jang le ba-na-le-bogole, go ba fa sebaka sa go supa bokgoni jwa bone. Phuthego o ne a gapile ba le bantsi pelo ka moopelo wa gagwe, o o humileng dipina tsa setso, di tswakantswe le bodiragatsi jwa sesha. O ne a tlhalosa fa a itumeletse thologelo ya barati ba mmino wa gagwe, le gore o tlaa tsenya letsogo mo go thuseng ba-na-le-bogole. O ne a opela nngwe ya dipina tsa gagwe tse disha, Jive Africa, e e buang ka tsela ya botshelo e e motsopodia, a bo a tlatsa ka gore dipina tsa gagwe di remeletse thata mo go godiseng serodumo sa lefatshe leno. Barati ba mmino wa jazz ba ne ba thuntsha lorole fela thata le fa go letsa seopedi sa kwa Lesotho se se tumileng, Bhudaza, yo o ileng a opela nngwe ya dipina tsa gagwe tse disha, Likgomo. O ne a kgothatsa badiragatsi ka kakaretso go rata tiro ya bone, e seng go e direla go tuma fela. arts_culture_entertainment_and_media 0 Ba batla Tautona a ba etela Banni ba Pilikwe, Mhalapitsa le Maape ba kopile Tona wa Papadi le Madirelo, Mme Dorcus Makgato Malesu, gore a ba kopele Tautona go etela metse ya bone. Ba buile mafoko a mo diphuthegong tsa kgotla tse tona a neng a di biditse kwa metseng eo bosheng. Ba supile fa le bone ba eletsa gore letsatsi lengwe Tautona a ka etela metse ya bone mme atle go ba fa dikobo le dimpho tse dingwe tse ba tlholang ba bona a di abela Batswana ba bangwe, kwa mafelong mangwe a lefatshe leno. Bontsi jwa banni ba ne ba tlhalosa fa mafelo a bone le one a na le batlhoki fela jaaka a Tautona a setseng aa etetse mme ebile gona le bangwe ba ba tlhokang go agelwa le one matlo tota. Diphuthego tseo di ne di tseneletswe ke makalana otlhe a a ka fa tlase ga lephata la Papadi le Madirelo, go balelwa le LEA, le lephata le le fang Batswana madi go itshimololela dikgwebo la CEDA. Morago ga gore Tona a supe matshwenyego ka dipalo tsedi kwa tlase tsa batho ba ba setseng ba dirisa lekalana la CEDA go adima madi a go itshimololela dikgwebo mo kgaolong eo, banni ba supile fa ba na le keletso ya go adima madi ao mme sebe sa phiri e le gore difomo tsa ikopelo di thata go tladiwa ka ebile go dirisiwa puo ya seeng fela mo go tsone. Ba supile fa gape go tsile go nna thata gore ba kgone go akola mananeo ka go farologana ka gore seemo sa ditsela tsa metse ya bone se maswe, motlakase e le o o sa lekanang go ka tsamaisa dikgwebo le metsi a bontsi jwa nako a seyong mme koporase ya metsi e nna fela e ba lopa go duela madi a mantsi. Tona o ne a supa fa a dumalana le bone gore fa ditlamelo di tshwana le ditsela, metsi le motlakase di sokodisa, ga go motlhofo gore baka tsamaisa dikgwebo mme aba solofetsa fa a tlaa tsaya matshwenyego ao go a isa kwa go ba ba lebaneng le gone go tsibosa Tautona ka kopo ya bone. A re le ene kgang e e mo tlhokisa boroko ka jaana tiro ya lephata la gagwe e le go netefatsa fa Batswana ba itshimololela dikgwebo gore ba tle ba inamole mo lehumeng, go direla lefatshe madi le gone go tswakanya itsholelo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ba Goora-Seno ba tla busetswa madi Banni ba motsana wa Goora-Seno gaufi le Kanye ba ba neng ba atlhotswe madi a go ipaya metse e se ka fa molaong, jaanong ba tla ruma-ruma go ya kwa dibankeng go busetswa madi a bone morago ga gore puso le lekgotla la kabo ditsha la ga Ngwaketse ba boele morago tshwetso ya bone ya go ba fudisa mo lefelong leo. Lekgotla la kabo ditsha la Ga Ngwaketse le tsere tshwetso ya go ba busetsa madi e bile ba ba neng ba setse ba agile jaanong ba tla direlwa ditlankana ka fa molaong ka gore jaanong Goora-Seno ke motse e bile e tla nna nngwe ya dikgotlana tsa Kanye, e bo e nne gape mo lenaneong la ditlhabololo. Mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke lekgotla la kabo ditsha la ga Ngwaketse, mothusa modulasetilo wa lekgotla leo, Rre Kguger Balosang o boletse fa ba kopa tirisano mmogo le gore go bewe leitlho ba ba tla tlang morago ba tsile go ipaya. Rre Balosang o boletse fa kgang ya lefatshe la Goora-Seno e tswa kgakala e bile ba ne ba tshwanetse go thubelwa ka gore go ne go supiwa fa ele bomaipaafela e bile gape lefelo leo e le meraka le masimo. Rre Balosang o boletse fa puso e ne ya ba sekegela tsebe, mme ya amogela gore e nne motse. Banni bangwe ba boletse fa ba tla dumela ba bone ba fiwa difomo ba ikopela ditsha ka gonne ba sale ba letile. Ba boletse fa jaanong ba tlhokana le sekole, kgokelo ya metsi le go lwantsha borukutlhi mo kgotlaneng ya bone. society 9 Seabe sa motsadi mo thutong ke peo ya katlego Letsogo la motsadi mo thutong ya ngwana ke peo ya katlego mo thutong. Se, se builwe ke modulasetilo wa lekgotla la batsadi le barutabana la Radisele Junior Secondary School, Mme Damabuya Moeng, mo potsolotsong bosheng morago ga thuto seka-dipuisano ya batsadi le barutabana e e neng e itebagantse le kgodiso ya bana. Mme Moeng o tlhalositse fa tirisano mmogo fa gare ga batsadi le barutabana ba sekolo sa Radisele e le e e itumedisang lefa gona le batsadi bangwe ba e reng bana ba bone ba lofile sekolo ba seke ba tseye kgato epe go gwetlha bana go ya sekolong. O kaile fa batsadi batla diphuthegong tsa batsadi le barutabana ka dipalo tse di nametsang. O boletse fa palo ya batsadi ba ba tlang go tsaya mokwalo wa maduo a bana e nna ele kwa tlase ka gore batsadi bangwe ba tseela bana ba batsadi ba bangwe mokwalo wa maduo. O boletse fa bana ba batsadi ba ba sa kgathaleng fa ba lofa sekolo ba tshabelelwa ke go ima ba santse ba tsena sekolo. Mme Moeng o tlhalositse gore e re le ntswa barutabana ba Radisele ba iteka, maduo a baithuti a tsweletse ka go fetoga ngwaga le ngwaga ka gore ngwaga o mongwe sekolo se dira sentle mme ngwaga o o latelang maduo a wele kwa tlase. O tlhalositse gore lekgotla la batsadi le barutabana le ikaelela go tokafatsa maduo a bana ka go dira thuto se ka dipuisano ya batsadi le barutabana e ba neng ba e dirile ngwaga le ngwaga le thuto seka dipuisano ya bana le batsadi go simolola mono ngwaga. O tsweletse ka go tlhalosa gore lekgotla la batsadi le barutabana le na le maikaelelo a go aga mantlwana a borutelo mo sekolong sa Radisele Junior Secondary School. Mme Moeng one a akgolela baithuti ba Radisele Junior Secondary School go itshwara sentse ka ga ba isi ba nne le mathata a a apereng dikolo tse dingwe jaaka bana ba ba betsang barutabana. BOKHUTLO education 4 Therisanyo ka kokelo e tsweletse Mopalamente wa Mochudi Bophirima o kopile Bakgatla go mo leta go tsweledisa therisanyo ya gagwe le Tona wa Botsogo le Boitekanelo mabapi le ditsholofetso tsa puso tsa go agela morafe kokelo e nngwe. Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Mochudi bosheng, Rre Mmusi Kgafela, o boletse fa banni ba sa bolo go kopa kokelo e nngwe mme puso e ne ya itlama go dira jalo ka go tsenya thulaganyo e mo bukaneng ya ditlhabololo tsa lesome le bongwe (NDP 11). A re go ne ga tsewa tshwetso ya gore kokelo ya Deborah Retief Memorial (DRM) yone e seka ya thubiwa. “Dipalo tsa morafe di godile, gape lefelo le sepatela sa DRM le agilweng mo go lone ga le a siamela bagodi, ba dikgobalo tse di masisi le botlhe fela ba ba palelwang ke go tsamaa sentle. Ga ba kgone go anya dithuso sentle ka se agilwe mo godimo ga matlapa,” mopalamente a tlhalosa. Rre Kgafela, yo gape e leng Tona wa Lephata la Dikago le Tlhabololo Matlo, o ne gape a tlhalosetsa Bakgatla ka kgang ya go agiwa ga leobo la kgotla ya Mochudi. A re pego ya ofisi ya ga molaodi e tlhalosa fa go neetswe khamphane ya Surf Turf Architects go dira ditshwantsho tsa leobo. “Re feng sebaka ka tiro e, e setswe morago. Ba ba lebaneng ba e emetse ka dinao. Tiro ya kago ya leobo go supega fa e tla lopa P1.3 million,” a tshwaela. Mo go tse dingwe, Rre Kgafela o kopile banni go tlhaloganya fa a filwe boikarabelo jwa go nna tona, se se raa gore ba mo tlhakanetse le setshaba, mme go sa ree gore ga a kake a bonala mo kgaolong ya gagwe ya botlhophi. A re o kopile makhanselara go nna matlho le moriti wa gagwe mo kgaolong fa a santse a tshwerwe ke ditiro tsa bo tona. O tsweletse a kgala dipego tsa gore Bakgatla ba Botswana le ba Afrika Borwa ba kgaogane, a re ga gona boaamaruri mo dipegong tse. “Tsenyang leitlho sengwe le sengwe se se dirwang kwa Mmamitlwe ke kgosikgolo ya rona Kgosi Kgafela II, o direla rona, a re mo tshegetseng re mo tswe mokgosi fa a re bitsa,” ga tswelela Rre Kgafela. O tsweletse a rurifaletsa Bakgatla fa makhanselara a mo eme nokeng, mme ba solofetsa fa ba tsile go bereka le mongwe le mongwe ba sa kgwetholole ka bong, mmala, tumelo le polotiki. “Re batho, re tsalwa le diphoso le go lebala, mme a re gakololaneng ka maitseo, tlhompho, tlotlo, lorato re baakanye,” a rialo. A re ene ebile o simolotse go dirisa maranyane kwa ofising ya mopalamente go tila go lebala, mme o solofela fa e tla nna nngwe ya diphetogo tse a tla di isang le kwa ofising ya gagwe ya tona le maphata ka go farologana. O tsweletse a sedimosa fa go na le ditiro tse pedi tsa moruthutha mo kgaolong ya gagwe, ele ya sekiti sa matlakala mo tseleng ya A1 le letsibogo la Phalane. A re ditsholofelo ene ele gore go tla a dirisiwa madi a kgaolo a ditlhabololo go aga sekitti se sesha kana go tsibogela kgang ya letsibogo la Phalane. Fa a tswa la gagwe, mothusa kgosi kgolo, Kgosi Bana Sekai o supile fa mapalamente a Kgatleng ba bone gole matshwanedi go simolodisa diphuthego tsa dikgotla tsa bone mo Mochudi, ele yone tshimolodiso ya tsamaiso. health 6 Tshere o kopa tlhopho Ntlhopheng wa phathi ya Botswana Congress wa kgaolo ya Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere, o kopile batlhophi ba kgaolo eo go mo tlhopha le makhanselara a gagwe mo ditlhophong tse di tla a tshwarwang ka kgwedi ya Phalane monongwaga. Fa a buisa phuthegong ya sepolotiki bosheng, Rre Tshere o boletse gore fa phathi ya gagwe e ka neelwa marapo a go busa, ba tla itebaganya le go lwantsha letlhoko la ditiro ka go direla Batswana ditiro tsa sennela ruri, go tokafatsa seemo sa tlhaela ya melemo mo dikokelong le go okeletsa badirela-puso dikamogelo gore dituelo tsa bone di kgone go itepatepanya le seemo sa nako eno sa ditlhwatlhwa tse di tlhatlogang tsatsi le letsatsi. Rre Tshere a re e re ka phathi e e busang e tswa kgakala e palelwa ke go tokafatsa matshelo a Batswana, go mo maruding a batlhophi go dira diphetogo ka go tlhopha mapolotiki a diphathi tsa kganetso mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba. E rile ntlhopheng wa bokhanselara wa kgaolwana ya Xhosa 1, Rre George Andreck a ntsha la gagwe, a kopa batlhophi ba dikgaolo tsa Mahalapye Botlhaba le Bophirima go tlhopha bontlhopheng ba BCP mo ditlhophong tsa mono-ngwaga ka ele yone phathi fela e e ka tlhabololang matshelo a bone. Rre Andreck o tsweletse a tlhalosa gore fa phathi ya gagwe e ka tsaya puso mo ditlhophong tse di tlang, e ya go direla Batswana ditiro tsa sennela ruri ka go tlhoma madirelo a sugang matlalo a dikgomo go dira ditlhako, madirelo a ditlolo le a dikonopo le mafura a ditlhako. O ganeditse magatwe a gore fa phathi ya BCP e tsaya puso e ka baka medumo le go kgokgontsha batho bangwe, a bolela fa seo ele dithama kgorwana e bile maikaelelo ele go senya phathi ya gagwe leina mo batlhophing. Go sale foo, Makhanselara a phathi ya BDP ba ba neng ba latlhegelwa mo ditlhophong tsa peo letlhokwa ba boleletse ba lekalana la dikgang la BOPA mo potsolotsong fa ba dule mo phathing eo e bile ba setse ba ikwadiseditse go emela ditlhopho tsa setshaba ele bontlhopheng ba ba ikemetseng. Makhanselara ao, a akaretsang Rre Bantlhasetse Merementsi wa kgaolwana ya Otse kwa Shoshong , Rre Justice Tselanngwe wa Dilaene le Rre Kaptain Katinga wa Parwe botlhe ele ba Mahalapye Bophirima, Rre John Masala wa Makwate le Mme Kgomotso Baatweng ba Mahalapye Botlhaba ba re ere ka dikgang tsa bone tsa go ngongoregela go tsiediwa mo ditlhophong tsa peo letlhokwa di sa tsewa tsia, ba bone gole botlhokwa gore ba ikemele ka nosi mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba. politics 7 Banni ba Disaneng ba itela mo go Tautona Khama Banni ba kgotla ya Disaneng kwa Maun ba kopile gore ba thelelwe sekontere mo tseleng ya bone e e lekgarapana. Banni bao ba kopile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama ka Labone, mme ba supa fa tsela eo e baka lerole le lentsi. Modulasetilo wa komiti ya kgotla eo Rre Tathego Repheya o ne a supa fa dipalamo tsa setshaba di sa goroge kwa kgotleng ya bone ka ntlha ya letlhoko la tsela ya sekontiri. Rre Repheya o ne gape a supa fa go na le letlhoko la matlo a borutelo kwa sekolong se sebotlana sa Disaneng, a re bana ba bangwe ba tsenela ko ntle, mme gape go na le letlhoko la bonno la barutabana le baoki. Le fa go ntse jalo, Rre Repheya o ne a lebogela mananeo a puso jaaka a Ipelegeng le nyeletso lehuma, a re a thusitse Batswana ba le bantsi mo kgotleng ya bone. E rile a ba kgwa kgaba, Tautona Khama a tshwaela fa kopo ya bone ya tsela e tlaa tsenngwa mo lenaneong la ditsela. Tona ya tsa Selegae le Tlhabololo ya dikgaolo Rre Slumber Tsogwane o ne a re ba mo lenaneong la go baakanya seemo sa dikago mo dikoleng. O ne a tlhalosa gore ba setse ba le ko dikolong dingwe mo Ngamiland jaaka sa Andrew Wellio le ko Samuchima. Tona Tsogwane o ne gape a lebogela gore banni ba kgotla eo ba akola mananeo a Ipelegeng le nyeletso lehuma, mme a re ba tlhokomele gore ga go akole batho ba le bangwe fela. BOKHUTLO politics 7 Go betla go tshegeditse Sethemo Rre Zuze Sethemo o itomile molomo wa tlase go itepatepanya le go betla e le tsela ya go itshetsa ntle le botsofe jwa gagwe. Rre Sethemo yo o dingwaga tse masome a supa le botlhano wa kgotlana ya Phachanga kwa Shakawe o tlhalositse mo potsolotsong fa a na le dingwaga tse di ka tshwarang botlhano a ntse a inaakantse le go betla. O supile fa a betla dikika, dilepe, megori, maswana, metshe le tse dingwe fela jalo, a tlatsa fa dinngwe tsa dilo tse a di betlang e le tse di kgabisang fa tse dinngwe e le tse di dirisiwang mo lwapeng. A re o dirisa legong le le nonofileng jaaka la mogonono, ka dilwana tse di dirilweng ka lone di tsaya dingwaga tse di ntse di sa onale. O ne a supa fa a sa ipone tsapa go ralala sekgwa go batla legong le le faphegileng leo, a tlatsa ka gore o dirisa dilepe gape, dithipa le tse dingwe fela jalo go betla dilwana tseo. Rre Sethemo o ne a tswelela a tlhalosa fa a betlela mo lwapeng mme a rekisetsa dilwana tsa gagwe gongwe le gongwe jaaka fa pele ga dikole, mabentlele, poso jalo jalo, mme a supa fa thotloetso e a e fiwang e mo fa maatla a gore a tswelele ka go betla. O ne gape a supa fa a betla le mororo a sena dithuto tsa go betla, a tlatsa ka gore botsipa joo o bo anywile mo bankaneng ba gagwe ba ba itshetsang ka logong. A re o ne a gwetlhiwa ke botshelo jo bothata mme a tlamega go ithuta le go inaakanya le go betla go inamola mo lehumeng. O tlhalositse gore le fa a sa reke dilo tse ditona mo kgwebong eo mme o kgona go fepa ba lelwapa la gagwe. Le fa go ntse jalo o supile matshwenyego tebang batho ba ba ratang go ipeela ditlhwatlhwa tse di kwa tlase ga tsa gagwe, ba ba kolotang ba sa duele le bao ba ba duelang morago ga lebaka le le leele, a re seo se busetsa mogwebi kwa morago. “Batho ba itebatsa gore tiro nngwe le nngwe e thata go dirwa, ka jalo ba tshwanetse ba re tlhompha ba re rotloetse go na le go re busetsa kwa morago,” a tlhalosa jalo a menne phatla. Rre Sethemo o supile fa go nna fela o sa itirele sepe sa itshetso go dira gore motho a ketefalelwe ke botshelo fa gongwe a felele a senyetsa batho. O ne a gwetlha banana fa botshelo bo le thata e bile bo le motlhofo fa motho a ikemetse ka dinao, a supa fa bopelotelele e le mangmang gore o atlege mo tirong ya gago. A re dilo tse dingwe o kgona go di ithuta mo bathong ba o tshelang le bone mme di go busetse kana o nne motho mongwe mo botshelong ntateng ya tsone. economy_business_and_finance 3 Bakgweetsi
 ba tlola molao Kgosi Malang Galeate wa Serinane mo kgaolong-potlana ya
Letlhakeng a re ga a jesiwe diwelang ke bakgweetsi ba ba dirisang tsela ya
Letlhakeng/Molepolole, e e ralalang motse wa gagwe ka a re ba kgweetsa ka
lebelo le le kwa godimo ebile ba sa obamele matshwao a tsela. O
boletse mo potsolotsong gore go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng mo tseleng
eo le go tlhoka go rekegela matshwao a tsela go baya matshelo a banni ba motse
wa Serinane mo diphatseng segolo jang baithuti ba ba kgabaganyang ba ya
sekoleng. A
re le ntswa mapodise a tsweletse ka go dira maiteko a go tokafatsa seemo ka go
dira dikganedi tsa tsela gangwe le gape, seo ga se dire pharologanyo e e kalo
ka jaana bakgweetsi ba ba dirisang tsela eo ba feta mo maphakeleng thata,
kgotsa bosigo mapodise a ise a theogele kgotsa a setse a golotse. Go ntse go le foo, Kgosi Galeate o supile matshwenyego ka
beng ba dipalamo dingwe tsa setshaba tse di tswang Molepolole di ya Letlhakeng
ka jaana ba gana go pega banni ba Serinane le ba meraka e e mo tikologong ka ba
re ba fologa mo tseleng. A re beng ba dipagamo bao gantsi ba supa fa bone ba
batla bapagami ba ba tlhamalelang ko Letlhakeng. Fa
a latlhela la gagwe, mogolwane wa tsa pharakano mo Letlhakeng, Inspector
Lawrence Nkwe a re le bone ba tshwentswe thata ke seemo seo sa bakgweetsi ba ba
kgweetsang ka lebelo le le ko godimo ntswa tsela eo e ralala motse. A re seo se
diphatsa mo banning, mme a supa fa ba tsentse seemo leitlho. A
re ka jalo ba boloditse letsholo ka go dira dikganedi tsa tsela, mme a ikuela
mo badirising ba tsela eo go nna kelelelo ka dinako tsotlhe segolo jang ka
tsela eo e saila leruo le le ntsi le le gobeyang mo go yone ka jalo go tlhokega
gore mokgweetsi a nne kelotlhoko. A 
re mo lebakeng la dikgwedi tse supa, go simolola kgwedi ya Hirikgong go fitlha
ya Phukwi monongwaga go nnile le dikotsi mo tseleng eo di le masome a mararo le
bone, mme motho a le mongwe a latlhegelwa ke botshelo. A 
re ba itemogetse fa bontsi jwa dikotsi tseo di bakilwe ke go kgweetsa go sena 
kelelelo le lebelo le le kwa godimo ga mmogo le go dirisa nnotagi ka tsela e e 
feteletseng. Inspector
 Nkwe o supile fa ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go leka go busetsa seemo mo
taolong, mme a re e tlaa re mo bogaufing ba bitse morafe wa Serinane kwa 
kgotleng go leka go ba ruta ka ipabalelo tseleng le go abelana megopolo ka fa 
seemo se ka tokafadiwang ka teng. Fa 
a itebaganya le beng ba dipalamo tsa setshaba, Inspector Nkwe a re ga go ka fa
 molaong gore beng ba dipalamo tsa setshaba ba gane go pega banni ba motse wa
 Serinane le ba ba mo tikologong, ka jaana teseletso e ba e filweng e ba tlama
go pega mongwe le mongwe mo tseleng eo. A
re ba dipalamo tse di sa obameleng melao ya tsa dipalamo ba ka duediswa madi a
a seng ka fa tlase ga P400, kana ba amogiwe diteseletso fa ba tsweletse ka go 
dira jalo, ka jalo a ba gwetlha go sala ditsetlana tsa molao le go dirisana 
sentle le bapagami. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Mokgatlho o ithaopile go thusa Mokgatlho wa Mophane Burial Society, o o tlholegang kwa Maun, o ithaopile go thusa ba ba kobo dikhutshwane mo diphitlhong. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa mokgatlho oo, Rre Baeletsi Lefoko o kaile fa ba tlhamile mokgatlho oo ka 2015, morago ga go lemoga gore batho ba ba tlhokileng lesego ba tshwara phage ka mangana fa ba welwa ke seru sa dintsho. Rre Lefoko o tlhalositse fa ba ne ba kopanya ditlhogo go akanya gore ba ithaope gore ba ithuse ba bo ba thuse batho ba ba tlhokileng lesego fa ba welwa ke seru. O tlhalositse fa leloko lengwe le lengwe le itlamile go ntsha dipula tse di lekgolo le lesome (P110) go dirisiwang go thusa mo dintshong. “Re ne ra ithaopa gore mongwe le mongwe wa rona a ntshe lemmenyana leo gore fa go tlhagoga loso, re eme ba ba mo selelong nokeng. Re thusa ka dijo fa nako tse dingwe re thusa le ka yone tante tota,’’ a tlhalosa. A re ba ne ba utlwalela mokgatlho mongwe o o thusang mo dintshong kwa Molepolole, mme ba kwatabolotsa mo go one, ka gore ba ne ba lemoga letlhoko la bone ko Maun. Rre Lefoko o tlhalositse fa madi ao e ne ele seitamo sa bone sa kgwedi le kgwedi mme erile ba bona fa dintsho di tlhagoga nako le nako, ba fetola seo mme ba ntsha madi ao beke le beke fa go nna le loso. “Re ne ra felela re pitlagana ka gore leso lone le ne le tlhagoga kgwedi e e ise e fele, mme ra felela re ntsha beke le beke fa go tlhagoga loso, selo se se re pitlaganyang fela thata’’ a tlhalosa. Fa a tswa la gagwe, motshwaramadi wa mokgatlho oo, Mme Kemoreng Mathabakanyi, o tlhalositse fa ba batla gore fa mokgatlho o gola, ba akaretse batlhoki le masiela go ba thusa ka sengwe le sengwe se ba se tlhokang. Motswaramadi a re ka ga ba na ofisi, ba kopanela fela ka fa tlase ga setlhare, a kaya fa seo se sa ba kgobe marapo, a re batla a leka ka bojotlhe gore ba gole ba fitlhelele maikaelelo a bone. O tlhalositse fa ba ise ba tsene mo diofising tsa puso le mafelo a bopelotlhomogi go kopa dithuso, mme a re mo nakong ee sa fediseng pelo, ba tlaa kopa kemonokeng kwa diofising tsa puso gore e ba thuse go nna le fa ba direlang teng. society 9 Swartz o lekola ba Letlhakeng Mongwe wa maloko a lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go lekola mananeo a dithuso a puso, Rre Johnnie Swartz a re batho ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma le bodiredi ba tshwanetse go dira mmogo go tlhomamisa gore lenaneo leo le a atlega. Erile fa a buisanya le ba ba filweng dithuso tsa nyeletso lehuma pele ga a ka simolola loeto lwa metse e le mene mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Rre Swartz a bolela fa a tshwenngwa ke gore go lebega badiri le ba ba thusiwang ba kopana fela fa tiro e simologa mme tirisano e tswelele ka go wela tlase fa nako e ntse e tsamaya. Rre Swartz o tlhalositse gore jaanong go ntshiwa ga madi fela go le nosi e a bo e sa tlhole e le gone fela go leng botlhokwa go le nosi mo tirong eo. A re jaanong tiro e tshwanetse go ntsha maduo a a solofetsweng. O ne gape a supa fa nngwe ya maikaelelo a lekoko le le tlhatlhobang ditiro tsa puso e le go bona gore Batswana ba itse go le kae ka mananeo a puso le gore ba a dirisa ka bokete kana bontsi jo bo kae, ka gore mananeo ao a a bo a diretswe go nyeletsa lehuma. A re ka jalo maikaelelo a matona a loeto ke go itse maikutlo a bone e le badirisi ba mananeo le tse ba batlang di dirwa go tokafatsa mananeo. Molomaganyi wa lenaneo la nyeletso lehuma mo kgaolong ya Kweneng, Rre Gaotlhobogwe Kwelagobe, o ne a akgolela bomme go dirisa mananeo a nyeletso lehuma ka dipalo tse di kwa godimo. A re ba setse ba kanokile e bile ba amogetse dikopo di le 4004 mo kgaolong-potlana eo go ithusa ka mananeo a a farologaneng mme ba le 494 ba setse ba rutintshitswe. Rre Kwelagobe a re batho bangwe ba ne ba thusiwa ka madi kwa ntle ga gore ba rutintshiwe, mme seo sa tsisa palo yotlhe e e thusitsweng kwa go 1 916. Rre Kwelagobe gape o ne a supa gore ditiro di le 182 di tsweletse mo kgaolong-potlana, mme mo go tsone, di le 19 di atlegile fela thata. A re ba abetswe P4 million go fefosa melala ya ditiro tse di neng di sa dirwa. Mothusa mokwaledi wa khansele yo mogolwane kwa Letlhakeng, Rre Nigel Mangoye o ne a rotloetsa ba ba thusitsweng, mme ba ne ba amogetse bontlha bongwe fela ja dithuso, jaaka didirisiwa, gore ba tle kwa go bone ba tle ba thusiwe. O ne gape a rotloetsa ba ba thusitsweng go akola mananeo a dithuso fa a sa ntse a le teng. Erile a akgela, mogolwane mo lephateng la tsadiso ya leruo, Rre Bakang Keinyatse a bolela gore mo nakong e e fetileng, ba ne ba kgorelediwa ke go tlhoka bodiredi jo bo ka abelang ba ba thusitsweng melemo ya leruo, mme legale bothata joo bo tlaa tsibogelwa ka e rile bosheng ba neelwa modiri yo o lebaganeng le go aba dithoto. politics 7 Kimberly Diamonds e tlhabolola moepo wa Lerala Mogolwane wa moepo wa teemane kwa Lerala, Rre Deon Venrmuellen a re khamphani ya Kimberly Diamonds Limited go tswa kwa Australia e tlaa dira diphetogo dingwe tse di tlaa rotloetsang gore moepo oo o ntshe selekanyo se se solofetsweng sa teemane. Fa a bua kwa dipuisanong fa gare ga boeteledipele jwa moepo wa Lerala le banni ba motse oo bosheng, Rre Venrmuellen o boletse fa ba lemogile dilo dingwe tse ba tshwanelwang ke go di baakanya pele ga moepo o ka bulwa. Rre Venrmuellen a re tiro ya go baakanya moepo e tlaa tsaya dikgwedi di ferabongwe mme e tla a re morago ga moo moepo o bulwe. A re dipaakanyo tseo ke tsone tse di tlaa dirang gore teemane e kgone go ntshiwa ka selekanyo sa dithane di le 120 000 ka kgwedi. Rre Venrmuellen a re kompone ya Kimberly Diamonds Limited e e sa tswang go reka moepo wa Lerala mo go ba Mantle Diamond Limited e na le boitseanape le bokgoni jo bontsi jwa ditswa mmung ka e tsweletse e dira go le gontsi kwa lefatsheng la Australia. O tsweletse a re banni ba tshwanetse go wela dibete ba e tshephe ka e tlaa dira tiro e e lolameng. A re kompone ya gagwe ga e a reka moepo wa Lerala fela e sena ponelopele mme e kgonne go dupa le go lemoga fa go na le teemane e ntsi kwa tlase ga lefatshe. A re botshelo jwa moepo wa Lerala e tlaa nna dingwaga tse supa mme go na le kgonagalo ya gore di ka nna lesome le bobedi.A re e tlaa re fa go sena go dirwa dipaakanyo kwa moepong go thapiwe babereki ba ka nna makgolo a mararo mme ba tlaa tswelela ba fiwa ithutuntsho e e itebagantseng le moepo. O tsweletse a re fa moepo o thapa o tlaa fa banni ba motse wa Lerala sebaka se sentsi sa go bona ditiro. Rre Venrmuellen a re go tla a nna le mananeo a le mantsi a a itebagantseng le go tlhabolola banni ba motse wa Lerala. Le fa go ntse jalo, kgosi wa motse wa Lerala, Rre Sello Moroka a re o na le tsholofelo e ntsi ya gore kompone ya Kimberly Diamond Limited e tla a direla banni bomolemo. O boleletse banni fa a ntse le bokopano le baeteledipele ba kompone eo makgetho a le mantsi mme ba mo solofetsa fa ba tlaa dirisanya sentle le banni bogolo jang ba meraka e e bapileng le moepo wa bone. Kgosi Moroka o rotloeditse banni go itshwara sentle le go dirisanya le badiri ba moepo ka bangwe ba tla a bo ba tswa kwa mafelong a sele. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Mposa o tshegetsa ngwao ka mekgabisa Mme Tekoetsile Mposa wa dingwaga tse 56 wa Mogonye ke mongwe wa bomme ba ba santseng ba tshegeditse ngwao ka go loga mekgabisa ya Setswana. E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Mposa a tlhalosa fa a tswa kgakala a dira mekgabisa ya setso jaaka ditlatlana, mebanki le dinkgwana, tiro e a saleng a e ithuta mo batsading a sale mmotlana. A re ka a ne a ratile tiro ya diatla ga go a mo tsaya lobaka gore a ithute go dira mekgabisa. Mme Mposa a re ka nako ya teng e ne e le monana a na le dikeletso tse di farologaneng, mme a di phuaganya go tswelela a dira mekgabisa eo. E rile dingwaga di ntse di tsamaya, a tsosolotsa kitso ya gagwe gape. O tlhalosa gore o ne a ithutuntsha ka go lebelela mo setshwantshong sa motshikhinyego gore ba bangwe ba dira jang ga mmogo le go lebelela mo dipampiring. A re seo se ne sa mo solegela molemo ka a ne a ithuta botsipa jo bosha ga mmogo le go ithuta go dira mekgabisa e a neng a sa e itse pele. Ka jalo a tia moko le go gola mo leratong la tiro ya gagwe. A re mekgabisa eo, o e dira ka setlhare sa mokgotshi se se mofuta wa tlhatlha mme o se tsaya kwa nageng. O tlhalositse gore tlhatlha ke yone e tlwaelesegileng thata go dira mekgabisa ya Setswana, ka go tlhoka lesego ga e yo mo kgaolong ya gagwe, ka jalo o feletse a dirisa mokgotshi mme keletso ya gagwe ke gore o ka bo a di dirisa tsotlhe ka nako e le nngwe. Mme Mposa o tlhalosa gore o dirisa dipente tse di farologaneng go kgabisa, ka gore ka tlholego mokgotshi o mosweu, ka jalo go botlhokwa gore o fiwe mmala o mosha go kgatlhisa leitlho. A re o ne a tsena dikgaisanyo tsa mekgabisa ya Setswana ngogola kwa a neng a gapa maemo a ntlha kwa Kanye mo dikgaisanyong tsa kgaolo. A re o ne logile tlatlana e tona e na le sekhurumelo, mme o ne a ikgapela P3 000. Ka jalo o ne a tia moko le go feta, a tlhalosa gore mokgabisa oo, o ne wa rekwa ke komiti ya ditlhabolo ya motse wa Mogonye go e abela Tautona Mogweetsi Masisi ka nako e a neng a ile go laela morafe. A re o ne a nna motlotlo go tswelelela a dira tiro ya gagwe ka manontlhotlho, ka jalo le monongwaga o tsene dikgaisanyo tsa mekgabisa ya Setswana gape. A re maduo a dikgaisanyo a tlaa tswa mo dibekeng tse di latelang mme o solofetse go fenya. Mme Mposa a re ntswa a tsweletse sentle mo tirong ya gagwe, o lebaganwe ke kgwetlho e tshwana le tlhaelo ya bojang ka go le leuba. A re gape mokgotshi o tsewa kgakala kwa nageng, ka jalo o tlamega go hira ba ba yang go o kgetla. A re o eletsa go aga ntlo ya Setswana kwa a direlang teng ga mmogo le go baya mekgabisa eo teng go ngoka bareki ga mmogo le go rotloetsa ngwao ya gore dilwana kana mekgabisa ya setso e tshwanetse ya nna mo ntlong ya ditso. arts_culture_entertainment_and_media 0 Ba Selebi Phikwe ba kgothadiwa go iteka go tsosolosa toropo Banni ba toropo ya Selebi Phikwe ba rotloeditswe go tla ka dikakanyo tse di ka dirang pharologanyo mo matshelong a bone. Rre Nonofo Molefhi yo eleng tona wa dikago le tlhabololo matlo ebile e le mopalamente wa Selebi Phikwe botlhaba o ne a bua se, fa a ne a buisa banni ba kgaolo ya Itekeng le Mabothaphofu kwa kgotleng ya Ikageleng mo Selebi Phikwe bosheng. Rre Molefhi o buile seo fa a ne a tsibogela selelo sa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo eo Mme Oolekae Matjologwe fa a ne a supa fa ba sale ba solofeditswe fa go tlaa nna le madirelo mangwe a tshwana le a difofane,a a rokang le a mangwe mme nako kgolo ke eno ba ntse ba letile. Mme Matjologwe o kopile Rre Molefhi go ya go thulanya ditlhogo le balekane ba gagwe go seka seka gore toropo ya Selebi Phikwe e okeletswe dipalo tsa babereki ba lenaneo la namolo leuba ka ba tshwaragana le bothata ka nako ya khiro ka dipalo tsa batho di okeditswe ke badiri ba pele ba moepo wa BCL. Mme Matjologwe o ne gape a supa fa toropo ya Selebi Phikwe e tsweletse ka go nna lefifi ka dipone tsa mo mekgwatheng di sa bereke ka bontsi mme seo se dira gore borukutlhi bo tswelele ka go gola mme a kopa mopalamente go tshikhinya khansele go tsibogela seemo seo. E ntse e le mo phuthegong ya kgotla Rre Molefhi o ne a sedimosetsa setshaba fa kompone ya motlakase e dirile diphetogo mo thekisong ya motlakase morago ga go lemoga gore dikompone tse di ikemetseng le puso di tsaya sebaka se se leele go duela ditirelo tsa kompone eo. Rre Molefhi a re tiego ya go duela ditirelo tsa kompone ya motlakase di dia ditlamelo gore di kgone go atolosetswa kwa setshabeng se se di tlhokang. Rre Molefhi o ne a solofetsa setshaba fa a tlaa ya go buisana le ba ba maleba go sekaseka mogopolo wa gore ba kgone go duela kompone ya motlakase ka seo se bogisa morafe. Mo go tse dingwe Rre Molefhi o ne a kopa setshaba go tswa ka megopolo e e ka ba thusang gore e re ba santse ba letetse dikompone tse go solofetsweng go tla go simolola kgwebo mo Selebi Phikwe ba bo ba na le se ba kgonang go jesa malwapa a bone ka sone. Rre Molefhi o tlhalositse fa dikompone tse di solofetsweng go tla go gweba mo Selebi Phikwe di ka seka tsa kgona go thapa babereki ka dipalo tse di lekanang le tsa ba ba neng ba thapilwe ke moepo wa BCL ka nako e khutshwane mme go tlaa tsaya nako gore go nne jalo. Kwa bofelong Rre Molefhi o ne a tswelela ka go kopa banni ba Selebi Phikwe go bona maano a ba ka dirang gore phane e boele mo kgaolong ya bone ka go supafetse e le bogadi bo gaufi ka batho ba kgona go itshetsa ka thekiso yone. Rre Molefhi a re go tlhomamisa gore seo se ntsha maduo ba tshwanetse go tlhama mokgatho o o ka laolang gore e bapalwa ka nako e e tshwanetseng gore e kgone go dira peo. Rre Molefhi a re seo se ka dira gore matshelo a batho le itsholelo ya Selebi Phikwe e tokafale. society 9 Banana ba kgothadiwa go fetola maitsholo Banana ba lefatshe leno ba kgothaditswe go fetola maitsholo a bone mabapi le tiriso ya nnotagi ka jaana e le nngwe ya dilo tse di kgoreletsang tswelelopele ya bone mo botshelong. Kgothatso e e dirilwe jalo ke molomaganyi wa botsogo ja tlhaloganyo, Mme Malebogo Motsokono kwa dithutong tsa botsogo tse di neng di rulagantswe ke ba lephata la banana, metshameko le ngwao bosheng mo Serowe. Maikaelelo magolo a dithuto tse e ne e le go tla go amogana maele le dikitso ka dikgang tse di amang banana le setshaba ka kakaretso. Mme Motsokono o boletse fa banana e le bone babusi ba kamoso ba lefatshe leno, ka jalo a ba kopa go ipetlela ditsela tse di molemo tsa botshelo go sa ntse go na le nako. O tsweletse a tlhalosa fa nnotagi e le nngwe ya dilo tse di botlhabetsi mo katlegong ya botshelo jwa motho mo isagong, a tlatsa gape ka gore nnotagi ga e a siamela botsogo ja motho fa e se go mo tlogelela makoa fela. Ka jalo, a re banana ba inaakanye le dilo tse di tlaa ba sologelang molemo mo botshelong. Mme Motsokono o ne a tlhalosa fa maitsholo a a eletsegang mo setshabeng a a fa motho seriti mo botshelong jwa gagwe. O bile a ba kgothatsa go inaakanya le mananeo a puso e a beileng pele go tlhabolola matshelo a Batswana ka go ba inola mo lehumeng. A re mananeo a tshwana le a lephata la banana, metshameko le ngwao le a ntshitseng a diretswe bone, ka jalo go le mo maruding a bone go bona gore ba ikemela ka dinao go a akola. Go sale foo mme Motsokono o kgadile a sa kgwe mathe go ikgapela botshelo ga banana ba lefatshe leno. A re fa motho a na le mathata kana a tlhokile kutlwisisano le yo mongwe o tshwanetse go kopa thuso mo go ba ba lebaneng ba tshwana le ditsala tse di ikanyegang, ba bogosi, ba sepodisi ga mmogo le ba boipelego. E ne ya re fa a tswa la gagwe mookamela mananeo a banana mo kgaolong ya Legare Mme Thato Motswakwa a bolela fa ba ofisi ya banana, metshameko le ngwao ya kgaolo ya gagwe ba tshwenyegile thata ke dikgang tse di amang banana le setshaba ka kakaretso. A re gareng ga tse dingwe ba tshwentswe ke dikgang di akaretsa tiriso botlhaswa ya nnotagi le dikgang tsa tlhakanelo dikobo. Ka jalo a re ba bone go le maleba gore ba rulaganye letsatsi le tshwana le le gore ba kopane le banana ba ba sedimosetse ka ditsela tse di ka ba thusang go fetola maitsholo a bone. education 4 Mogwebi o ikanya temo thuo Mogwebi wa temo-thuo kwa masimong a Semarule kwa kgaolong ya Kweneng, Rre Shadrack Ngaye, a re temo thuo e bogadi bogaufi e bile dipoelo tsa yone di a nametsa Rre Ngaye, yo o dingwaga di masome a matlhano a tlholega kwa Tutume, a re o tswa kgakala le temo thuo ka e bile a godisitswe ka yone. O boletse mo potsolotsong gore le ntswa a simolotse a lemela go ja kwa lwapeng, e ne yare nako e ntse e tsamaya a nna le kgatlhego ya go lemela go rekisa, ka jalo a reka tshimo go simolola kgwebo eo. A re mo nakong e, o lema ditema tse thataro. O epile sediba mo tshimong mme o lema merogo le go rua dikoko tsa nama le tsa mae. A re o simolotse kgwebo eo ka go tlhatlhela dikoko tsa mae dile masome a marataro tse a di rekileng ka madi aa neng aa bolokile Dikoko tsa nama tsone o tlhatlhela dile 250 kgwedi le kgwedi mme o kgona go di rekisa tsotlhe. Rre Ngaye a re o lema merogo ee akaretsang rape, lettuce le ditamati mme o rekisetsa bagwebi ba ba botlana le marekisetso mangwe. A re kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle ka a kgonne go bona bareki ba ba boikanyego. O tlhalositse gore o dirisitse dipoelo go ikagela le go agela badiri ba gagwe matlo a bonno. O boletse gore morago ga go lemoga fa tiro e le ntsi kwa madirelong a gagwe, o ne a hira banana ba le babedi go mo thusa. A re babereki bao ke bone ba ba tlhokomelang kwa madirelong ao. Le fa gontse jalo, a re o kopana le dikgwetlho tse di akaretsang diji tsa merogo jaaka dibokwana mme merogo ya teng e nne le boleng jo bo kwa tlase. A re gona le dinonyane tse di jang morogo ka nako e ba butseng moriti wa merogo go tsenya phefo. Kgwetlho e nngwe a re ke gore dikoko tsa nama diswa thata ka mariga ka di tshabelelwa ke serame mme seo e nne ditshenyegelo tse di kwa godimo. Rre Ngaye a re maikaelelo a gagwe ke go dirisana le balemi ba bangwe le go tsaya malebela mo go bone. economy_business_and_finance 3 Manweenwee a inisa banni ka je Mapodisi a Tsabong a tlhagisa setshaba go nna podi matseba mabapi le manweenwee mangwe a go belaesegang a amoga bangwe batho madi ba re ba rekisa ditsha. Tlhagiso e, e ntshitswe ke Superintendent Howard Modo mo puisanong bosheng. Superintendent Modo o ne a tlhalosa fa ba tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome a mararo le bosupa mabapi le go rekisetsa mongwe setsha se e seng sa gagwe. O supile fa tiragalo eo e diragetse kgwedi eno e tlhola gararo, morago ga gore mmelaelwa yoo, yo o tlholegang kwa kgotleng ya Kubung kwa Maun a tsietse mme mongwe wa dingwaga tse di masome a supa le bobedi wa kgotla ya Matlhatlaganyane kwa Tsabong ka madi a a kanang ka P4 000 morago ga go mo supegetsa setsha se e seng sa gagwe a re o a se mo rekisetsa. Superintendent Modo o kaile fa mo nakong ya gompieno ba sa ntse ba tshegeditse lenweenwee leo fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse. Rre Modo o ne a a tlhalosa fa e tlaa re mo bogaufing monna yoo a isiwe fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata mme fa a ka bonwa molato o tlaa atlholelwa molato wa go tsietsa. Kwa bokhutlong Superintendent Modo o ne a gakolola setshaba go ikela tlhoko le go nna podi matseba ka dinako tsotlhe ka manweenwee ao, a a tsietsang ka go rekisa ditsha ntswa ba sena tsone. Mookamela mapodisi a Tsabong o ne a supa fa tiragalo eo e le ya ntlha e diragala mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa , a kaya fa gantsi ene a e utlwalela e diragala kwa metseng megolo mo lefatsheng leno. crime_law_and_justice 1 Mogokgo o lela ka maduo Go wela tlase ga maduo a sekole se segolwane sa Pandagala kwa Tutume ga go jese tse di welang. Mogokgo wa sekole seo, Rre Isaac Matebu o supile matshwenyego a gagwe mo bokopanong jwa batsadi le barutabana ka Laboraro. Mogokgo o boletse fa sekole seo se na le palo e e kwa tlase ya baithuti ya makgolo a le mane, masome a a robang bongwe le bosupa mo palong ya 800 e e solofetsweng gore sekoleng seo se ka e ruta. A re e re ntswa palo eo e le kwa tlase le palo ya barutabana e le e e nametsang, ba le masome matlhano, mme ba tladiwa ke barutabana ba nakwana ba le batlhano, maduo ga a itumedise. Rre Matebu o boletse fa a ne a kopana le batsadi morago ga maduo a mophato wa boraro a 2016 sekole se sena go tsaya maduo a masome mabedi le bone mo lekgolong, mme batsadi ba ne ba solofetsa fa ba tlaa tshwaraganela thuto ya bana le barutabana. A re morago ga tsholofetso eo, maduo a ngogola a dule a nametsa ka ba kgonne go oketsa ka borobangwe mo lekgolong mme ya nna masome a mararo le boraro mo lekgolong. O ne a tlhalosa fa mo go one matshwao ao, baithuti ba le bararo ba tsere letswhao la A, ba le lesome le boraro ba tsere B, fa ba ba tsereng C ba le masome mane le borobabongwe. Mogokgo o ne a ba sedimosetsa ka maduo a baithuti ba lekwalo la bobedi le la boraro go ya ka ditlhatlhobo tse ba di kwadileng ngogola ba santse ba le mo sekoleng. Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa tiro e santse e le ntsi ka go supafala fa ba na le kgwetlho e tona thata e bile maduo a teng a tlhabisa ditlhong, ka jalo a kopa batsadi go tsenya letsogo go leka go tokafatsa seemo seo. Rre Matebu o ne a ikuela mo banning ba kgotla ya Magapatona le bangwe ba ba kileng ba tsena mo sekoleng seo go itseela sekole seo ka moono wa ga Tautona wa pele, Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama wa go thusa dikole. Batsadi ba ba neng ba tsene bokopano joo ba ne ba tshepisa mogokgo fa ba tlaa tshwaraganela thuto ya bana le barutabana go leka go tokafatsa maduo. Ba ne ba supa fa ba sa itumedisiwe ke mokgwa o bangwe barutabana ba laelang baithuti go adima dibuka mo ditlhopheng dingwe tsa baithuti go kwala mme bone baithuti bao ba le kwa morago mo dithuto tseo, selo se ba supileng e le ntlha nngwe e e dirang gore maduo a wele tlase ka baithuti ba sa rutwe kgotsa ba tlhalosediwa pele ba ka kwala mekwalonyana eo. Rre Urgent Matenje o supile fa a le ’bete se molangwana ka maduo a dikole tse dikolwane. A re baithuti ba ba dirileng botoka mo lokwalong lwa bosupa ka go tsaya maduo a ntlha, fa ba tsena mo dikoleng tseo tiro ya bone e wela tlase. Rre Matenje a re kgang eo e tshwanetse go lejwa ntlheng tsotlhe ka gantsi go supiwa batsadi ka monwana ntswa barutabana le bone ba na le seabe mo kwelotlaseng ya maduo. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa lekgotla la batsadi le barutabana, Rre Nguni Moloi o ne a bolela fa barutabana ba lela ka baithuti ba ba nnang ba le nosi mo malwapeng le go tlhoka go etela sekole ga batsadi. Rre Moloi a re gape barutabana ba boletse fa batsadi ba le maoto a tshupa fa ba bilediwa bokopano jwa barutabana le batsadi, selo se a supileng e le nnete ka a re le tsone diphuthego tsa kgotla tota ga ba di tsene. Ka jalo, o ne a kopa batsadi go tshwaragana le barutabana mo thutong ya bana. education 4 Lephata le aba dimpho Modulasetilo wa khansele potlana ya Serowe, Rre Mpho Kooreme, o rotloeditse tirisano mmogo mo go thuseng ba bangwe bogolo jang ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. O buile jalo kwa moletlong wa kabo dimpho ya ba-na-le bogole bale masome a mabedi ke ba lephata la dipagamo le ditlhaeletsanyo mo Makolojane kwa Serowe ka Labobedi. Rre Kooreme are o leboga lephata le go bo le tsere matsapa a go thusa b aba amegang ka gonne ke lengwe la matshego a 2016 la tshaba e kutlwelobotlhoko e bile e kgatlhala. O ne a tswelela a kopa batsadi gore ba seka ba ikaega fela ka ka puso go tla go ba tshetsa ka gobo mokoduwe go tsoswa o o itsosang.Rre Kooreme o rotloeditse ba lephata la ditsela le ditlhaeletsanyo go kopa maphata a mangwe gore le one a nne le seabe mo ditirong tsa mofuta o.O boletese fa bonnyenyane jo babo kgobokantseng bo dirile pharologanyo e kgolo mo matshelong a bana ba. Fa a tswa la gagwe mogolwane wa lephata la ditsela le ditlhaeletsanyo mo Serowe Mme Gofaone Kavezedi o ne a bolela fa ba ne ba kopana e le lephata la bone gore ba abele bangwe ka malatsi a keresemose, mme ba tlhopha bana ba ba- nang- le bogole gore ba kgaolwana ya Makolojane. Mme Kavezedi a re gore ba dire se ba gwetlhilwe ke moletlo o ba neng ba o dirile kwa lephateng la bone. Mokhanselara wa kgaolo Rre Onalepelo Kedikilwe o lebogetse ba lephata la dipalamo le ditlhaeletsanyo gobo ba bone go tshwanela gore go nne le ba ba abelang mopako wa keresemose. society 9 Mapodisi a tlhotlhomisa leso Mapodisi a Takatokwane a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme wa dingwaga tse di masome a marataro le boraro a fitlhetsweng a tlhokafetse kwa morakeng wa Maripe, sekgalanyana go tswa kwa Dutlwe. Mookamela mapodisi a Takatokwane, Superitendent Ocean Maraganyane a re ba begetswe tiragalo eo ke molemi mongwe yo a neng a tsamaya mo sekgweng a batla dipodi mme a fitlhela mme yoo a rapaletse mo sekgweng mme a tlhaba mokgosi go itsise ba sepodisi. Are ba ne ba tsena mo letsholong la malatsi a mabedi ka thuso ya sefofane sa tlhoo-tomo sa sepodisi go tsoma mmelaelwa mme ba mo fitlhela mo sekgweng gaufi le motse wa Tshwaane. Supt Maraganyane a re bobedi joo e ne e le baratani, mme ditlhotlhomiso tsa sepodisi di supile fa ba ne ba tlhoka kutlwisisano ka jaana mmelaelwa a ne a belaela fa moswi a mo tsietsa.Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Babegadikgang ba kgotlhaditswe go ikgapha mo dipolotiking Badiri ba lephata la dikitsiso le kgaso mo kgaolong ya Mahalapye ba kopilwe go ikgapha mo dipolotiking gore ba kgone go bereka ba sa sokamisetse dirope ntlheng epe mo ipapaletsong ditlhopho tsa setshaba tse di tla tshwarwang kgwedi ya Phalane ele masome a mabedi le bone. Mookamedi wa lephata la kgaso Rre Lesole Obonye o boleletse badiri ba maphata ao gore go nna le seabe ga babegadikgang mo dipolotiking kana go sekamela mo letlhakoreng lengwe la sepolotiki go ka ba kgoreletsa go dira tiro ya bone ka manontlhotlho ntswa ele bone leitlho la setshaba A re ele badiri ba lephata la dikitsiso le kgaso ba tshwanetse go tsaya tiro ya ditlhopho ka matsetseleko le go kwala dikgang tsa diphuthego tsa mapolotiki ka tekatekano. Rre Lesole o rile lefa ba lebanwe ke dikgwetlho tsa go tlhaelelwa ke di dirisiwa ditshwana dikoloi,bodiredi le boatlhamo jwa dikgaolo tsa botlhophi, seo ga se a tshwanela go ba kgoba marapo. O rile ere ka ba tlhaelelwa ke bodiredi ke sone se ba ikaelelang go tsaya badiri bangwe kwa Gaborone go ba anamisa le dikgaolo tsa botlhophi tse di masome a matlhano le bosupa goya go kwala ka ditiragalo tsa ditlhopho tsa monongwaga tse go lebegang di tla nna mashetla. E rile mogolwane wa babegadikgang ba lekalana la BOPA Rre Epena Ngatangue le mogolwane wa badiri ba lekalana la Botswana television Mme Mosetsana Maribe ba bua mo phuthegong eo, ba kopa badiri ba kgaso le dikitsiso ba ba tla bong ba theogetse ka malatsi a ditlhopho go emisa go apara kapari e tsamaelanang le mebala ya diphathi tsa sepolotiki gammogo le go thusa mapolotiki ka di dirisiwa tsa mmuso ditshwana digowa-gowe. Bare maikaelelo a diphuthego tsa bone ke go lekodisa badiri ba maphata ao ka tsamaiso le melawana ya ditlhopho gammogo le go ba rotloetsa go kwala ka tshosologo ntleng le go sokamela ntlheng epe ka seo se ka dira gore setsha se seka sa nna le tshepho mo go bone. E rile batswa la bone ba lebogela bagolwane ba bone go ba tlanyatlanyetsa ka tsamaiso ya ditlhopho, mme ba supa fa ba ngongoregela tlhaelo ya di dirisiwa ditshwana dikoloi le bodiredi segolong jang mo dikgaolong ditshwana Shoshong,Tswapong Borwa,Mahalapye Botlhaba le Bophirima. BOKHUTLO politics 7 Kgwebo e tlhoka lerato le bopelotelele Mookamedi wa kgwebo ya Mother Earth Flourist, Mme Lorato Toto, a re lerato la gagwe mo dithunyeng ke lone le mo gwetlhileng go bula kgwebo ya mofuta o. Mogwebi yo, a re le ntswa kgwebo e e na le dikgwetlho, o ikemiseditse go di tila ka methale yotlhe gore e atlege. O buile se mo potsolotsong kwa Serowe bosheng. Mme Toto a re lerato la dithunya le dirilwe ke gore le kwa lwapeng ba lema dithunya le ditlhare ka go farologana ga tsone mme se sa tsisa kgatlhego e ntsi mo go ene selo se se neng sa tsisa mogopolo wa go bula kgwebo e. O ne a tlhalosa fa a reka dithunya kwa Afrika Borwa, a bo a di kgabisa ka manontlhotlho go ka oka batho. Mme Toto a re le ntswa go na le dikgwetlho, kgwebo ya gagwe e dira sentle. A re mo bogompienong bareki ga ba ise ba tlhaloganye sepe ka dithunya mme a kaya fa bareki ba tlhoka thuto e e tseneletseng ka dithunya. Mogwebi yo, a re dithunya tsa gagwe o di reka kgakala fa gongwe e re di tla go goroga mo madirelong di bo di senyegile ka jalo a ikuela mo Batswaneng go ka bona se, e le monyetla go lema dithunya gore bagwebi ba tsone ba di reke bogautshwane go sena ditshenyegelo tse di kalo. Mme Toto a re nngwe ya dikgwetlho tse a kopanang natso ke ya letlhoko la dipalamo go isetsa bareki ba gagwe dithunya ba ba nnang ko mafelong a a kgakala le fa a rekisetsang teng. Mogwebi yo, yo o thusitsweng ke ba Lephata la banana, o ne a re ntswa madi a ba a fiwang a se mantsi mme a ka kgontsha monana go simolodisa kgwebo, a re ke ka seo motho a tshwanetseng go tlhwaafala go netefatsa gore lemmenyana le a le bonang o le dirisa go atolosa kgwebo ya gagwe. O ne a re fa motho a batla go dira se a se ratang o tshwanetse go tsepama mo go sone ka go se dira ka lorato le bopelotele go sena boithobogo mo teng. Mme Toto o ne a kgala thata banana gore ba lese go ikaega fela ka puso gore ke yone e tla a ba thusang ka dinako tsotlhe, a kaya fa le bone ba tshwanetse go itirela ka diatla tsa bone go intsha mo lehumeng le go itlhamela mebereko. Mongwe wa bareki ba dithunya tseo, Mme Sikhonziso Bagwasi a re dithunya tse a di rekang kwa Mother Earth Flourist di pharologanyo le tse dingwe, a kaya fa barekisi ba bangwe o fitlhela ba rekisa dithunya tse di senyegileng e bile di swabile fa Toto ene a ba rekisetsa tse di itekanetseng ka dinako tsotlhe. Mme Sekhonzizo o supile fa Mme Toto a itse go tshwara sentle bareki le go tsisa dithoto ka nako. Mme Bagwasi o kaile fa a itumelela tirisanyo mmogo ya mogwebi yo, ka a reetsa dikgwetlho le dilelo tsa bone mme a siamise tsotlhe. economy_business_and_finance 3 Ba nyeletso lehuma ba alosa ba ba thusitsweng E rile ka mafelo a beke ba nyeletso lehuma ba alosa dialogane dika tshwara masome a mararo le bobedi gotswa mo metseng e e farologaneng ya kgaolo ya Letlhakeng. Go ya ka Mme Moletlo Ntesang wa lephata la boipelego, ba ne ba rulaganyetsa kgaolo dithuto tsa go roka, tse di tsereng lebaka la dibeke tse tharo, maikaelelo e le go tlhatlhelela batsena dithuto ka matsipa ago roka le go ba ruta katsa kgwebo. Mme Ntesang a re bangwe ba ne ba boelela dithuto fa ba bangwe ba ne ba ithuta lantlha. A re seo se bakilwe ke gore ba bangwe ba tshwara ka bonya mme o tlhalositse gore bontsi ba ba tsenelela dithuto ba setse ba filwe didirisiwa tsa go roka. Mme Ntesang o boletse fa ba kgonne tsotlhe tse ba neng ba di rulaganyeditse dithuto e bile baithuti ba kgonne go roka dilo di le mmalwa jaaka dikete, dihempe, dibaki, letse dingwe mo dibekeng tse tharo. E rile a ema dialogane ka lefoko, mongwe wa dibui kwa kalosong eo, mokhanselara Tshepiso Lesupe, yo eleng modulasetilo wa tsa botsogo, thuto, le tsa matshelo a selegae mo Khanseleng potlana ya Letlhakeng, a ba gwetlha gore ba tshware ka thata go tlhabolola matshelo a bone ka dithuto le didirisiwa tse ba di filweng. Ere dikgang di eme jalo, Rre Lesupi o ngongoregetse go tlhoka go akarediwa ga motse wa Moshaweng mo lenaneong, a re seo se tla dira gore ba salela kwa morago ruri. E rile a ntsha la gagwe, mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Letlhakeng, Mme Ekannamang Ramasimong, a ba kgothatsa go tsaya dithuto tsa bone ka tlhoafalo mme ba leke thata go dira dikgwebo tse di ka tlhamang mebereko. Sealogane sengwe, Rre Ofentse Bobe, wa dingwaga tse di masome a mabedi le borataro, a re o itumeletse katlego ya gagwe mo dithutong, e a e supileng ka setlankana se a se abetsweng sa dithuto tsa go roka. A re se ba se rutilweng se mosola thata, a tlatsa ka gore yo o tla sekeng a nyeletse lehuma gotsweng foo e tlaabo ele ka botshwakga fela. A re o lebogetse gore le ene o nnile lesego ka go akarediwa mo lenaneong leo. O gakolotse ba ba sa akarediwang mo dithutong tseo go lesa go nyatsa, a tlatsa ka gore ba nne ba tsena mo diofising ba botsa. Rre Bobe a re ka ene a ise a fiwe didirisiwa, fa di tla o ya go dira go tlala diatla. Rre Kennedy Raseaatla, mothathelela dithuto go roka le kapari gotswa kwa Tshwaragano Brigade, yo e neng ele ene motlhatlhelela dithuto tsa go roka tsa nyeletso lehuma mo bekeng tse tharo, o ne a gwetlha botlhe go somarela se ba nang le sone. A re sekgethe sa letsela lengwe le lengwe le ka dirisiwa go tsenya madi mo kgwebong. O ba rotloeditse go dirisanya le go thusana ka megopolo gore ba tle ba gole. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Orange e tokafatsa mafaratlhatlha Khamphani ya Orange e itsisitse banni ba Mapokafa dilelo tsa bone tsa mafaratlhatlha e tlaanna selo sa maloba. E rile a rolela morafe mafaratlhatlha a ditlhaeletsano bosheng, mogolwane kwa Orange, Rre Oteng Serumola a bolela faditlhaeletsano e tla nna tse di matsorotsoro mo morafeng oo morago ga go sokolaka lebaka ba sa kgone go ikgolaganya le ba masika a bone le ditsala. O supile fa banni ba motse oo ba ne ba tshwara ka matlhasedia mafaratlhatlha a a kwa Ramokgwebana, mme e bile a supa fa le one matlhasedi ateng a ne a sa tlhapa sentle ka mogala o ne o kgona go kgaoga motho a santse abua le yo mongwe. Ka jalo Orange e ikaelela go dira kanatla go bona gore Batswana lefatshe ka bophara ga ba sokole e bile ba kgona go Rre Serumola a re ba ikaelela go tsamaya mo metsaneng e ekwa tengnyanateng go tokafatsa mafaratlhatlha ao gore le bone ba kgone go ja tswine ya ditirelo jaaka ba ba moditoropong. O tladitse ka gore e re ka e bile Orange le yone e tsweletseka go isa ditirelo tse di farologaneng, maikaelelo ke gore le ba Mapoka gammogo le ba metse selegae ba kgone go di nwa moro jaaka tsa Orange Money tsebontsi ba ithusang ka tsone go reka didirisiwa di tshwana motlakase, go boloka O ne a supa fa Orange money e tlaa tswela ba Mapoka mosolaka e bile e se botlhe ba ba nnang le sebaka sa go ya kwa dibankeng go ya goboloka madi ga mmogo le gone go nna le mabolokelo a madi kwa dibankeng. A re mafaratlhatlha a bone gape a na le sekapa molelo, ebong dibetiri tse e tlaa reng ka nako ya kgaogo ya motlakase mafaratlhatlha onea bo a tsweletse a bereka. O rotloeditse banni ba motse wa Mapoka go nna mapodise amafaratlhatlha ao ka a tletse ditshipi tse ba itemogetseng fa go na le bangweba ba dinalanyala ka e bile malatsinyana a ditshipi di rekisiwa. A re ba tshwanetse go nna ba di beile leitlho ka fa go kanna le kgonagalo ya gore mongwe a utswe sengwe go tlaa bo go ba baya ka famosing ka jaanong ba tla bo ba boela mo seemong sele sa maloba. E rile a tswa la gagwe Kgosi Ngocha Habangana wa Mapoka, are o itumelela ditlhabololo tse di tsweletseng ka go tla mo motseng wa gagwe, a Mokhanselelara wa kgaolo eo, Rre Paulos Nkoni ene o ne asupa fa ba ne ba tshwaragane le mathata segolo jang fa ba tshwanetse go itsiseba masika ka dintsho tse di mo gae. A re e re ka le kgaogo ya motlakase etsweletse ka go tshwenya mo lefatsheng le, bone ba lebogela ba Orange go bo ba A re ba tla nna podi matseba go bona gore ditshipi tsa bonega di senyege e bile ga go utswiwe sepe mo go tsone. society 9 Mpeo o rotloetsa bomme go ema ka dinao Mogolwane wa ofisi ya merero ya bong, Mme Matlhare Mpeo, o gwetlhile banni ba Sojwe go tsenya dikopo tsa dikgwebo tse ba eletsang go di simolola gore ba akole lenaneo la go itlhabolola ka go itshimololela dikgwebo. Mme Mpeo o buile se beke e e fetileng fa ba ofisi eo mmogo le ba ofisi ya ga molaodi ya Kweneng ba etetse kwa motseng oo go ba abela dithuto ka tse di tlhokafalang gore ba tlhophiwe go thusiwa ka madi a go simolola dikgwebo. O tlhalositse fa ofisi e e abela batho go itshimololela dikgwebo mme a re madi a ga a busiwe, fela a re ba ofisi e ba pepetletsa mogwebi a simolola kgwebo go fitlha ko dingwageng tse tlhano. A re mo nakong eo, ba a bo ba dumela gore kgwebo e a bo e setse e itshetletse. A re kwa ofising e ba itebagantse thata le dikgang tsa bong mme maikaelelo e le go ntsha batho bogolo jang bomme mo lehumeng ka a re bontsi jwa nako ke bone ba amiwang ke dikgang tsa kgokgontsho. O tlhalositse fa go itshimololela dikgwebo ga bomme go ba fa seriti le boleng mo lwapeng le mo setshabeng. A re le fa kgatlhego e le thata mo go bomme, se ga se reye gore ofisi ya bone e kgaphela borre kwa thoko ka jaana le bone ba kgona go thusiwa fa ba na le bomme mo setlhopheng. O tsweletse a tlhalosa gore le fa ba bodiredi jwa lenaneo le bo le boutsana ba ikaelela go ama kgaolo nngwe le nngwe go sedimosetsa setshaba ka lenaneo le. Fa a akgela mongwe wa banni ba Sojwe, Mme Osenotse Kabukabu o ne a lebogela loeto lwa ofisi ya merero ya bong a tlhalosa fa le tsile ka nako e bontsi ja banni bo ngongoregang ka ditlamelo le mananeo a a gorogang morago ga nako kwa metseng e e kgakala jaaka wa bone. O ne a kopa bodiredi joo go dirisa lefelo la ditirelo la Sojwe e le ofisi ya bone go ba thusa ka melaetsa le dikgakololo tse di tlhokafalang go fefosa go tsenya dikopo tsa bone. Mongwe wa banni, Rre Sikalame Kootswetse o tlhalositse fa bontsi jwa Batswana ba rata temo-thuo mme a re letlhoko kana tlhaelo ya metsi e ama go atlega ga dikgwebo tsa temo-thuo. Rre Nlisi Chakalisa yo e leng mongwe wa banni fa a akgela, o tlhalositse fa ba sena thotloetso le kemo nokeng mo metseng e e kgakala le ditlamelo ntswa ba iteka ka go tsenya dikopo go akola mananeo a puso. A re bangwe ba dikgwebo ba tlhaelela mo tseleng ka ba felela ba kgobega marapo ka bodiredi bo tsaya lobaka go lekola dikgwebo tsa bone gore a di tsweletse sentle. Mo go la gagwe molaodi wa Kweneng, Dr Temba Mmusi o solofeditse banni ba motse oo gore ga ba kitla ba latela ditlamelo kana ditirelo kwa Gaborone, a re o ikemiseditse go tsisa bodiredi jo bo lebaneng ko bathong a tlhalosa fa a batla bodiredi jo bo lomaganeng le morafe. economy_business_and_finance 3 Kgosi Sekai o rotloetsa balemi-barui Mothusa kgosi wa Bakgatla o rotloeditse balemi-barui ba ba sa fenyang sepe mo ditshupong tsa kgaolo ya Kgatleng tsa temo-thuo go tswelela ka temo-thuo. Fa a bua kwa kabong dietsele tsa ba ba fentseng, Kgosi Bana Sekai, yo eleng gape morotloetsi mogolo wa ditshupo tse, o kgothaditse ba ba latlhegetsweng go se kgobege marapo, mme ba itsee motlhala ba bone gore ba ka ipaakanya fa kae. “Ke lebogela basadi le banna ba lona ba ba le golotseng gore le dire tiro e, ka le ne le boela kwa malwapeng a lona bosigo, mo le neng le sa bone ba malapa a lona sentle,” a rialo Kgosi Sekai. A re o tlhaloganya dikgwetlho tse di neng di lebane maloko a komiti e e neng e rulaganyetsa tiro eo, e bile a supa fa ditshupo tse di ne tsa pala go tshwarwa ngwaga o o fetileng. A re maikaelelo a bone a ne a atlega ngwaga ono, e bile ba setse ba simolotse tiro ya go rulaganyetsa ditshupo tsa ngwaga o o tlang. Kgosi Sekai a re dikgwetlho tsa madi di tsweletse ka go tsenya tsebetsebe, mme e le morotloetsi mogolo wa ditshupo tsa Kgatleng, ga a kake a ipona tsapa go bona gore Bakgatla, makalana a puso le a a ikemetseng ka nosi ba ba ema nokeng. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa ditshupo tsa Kgatleng, Rre David Sefwake a re kabo dimpho e, ke go tsweledisa mosepele o ba o simolotseng ka Phatwe wa ditshupo. A re mo kgaisanyong, go nna le mofenyi le yo o latlhegetsweng, mme se se seka sa kgaoganya batho. Rre Sefwake a re kgaisanyo ya monongwaga e ne e le mashetla, mme ba solofetse gore e golele pele. O supile gore go ya pele, ba tlhokana le kemo nokeng ya botsadi, ka se se ka ba thusa go atolosa ditshupo. “Go maleba gore fa re sa dire dilo sentle, e be re tshwaragane mme re gakololana sentle ka lorato le ka tlotlo,” a rialo Rre Sefwake. A re tshwaragano ke yone e ka godisang ditshupo tse, mme e bile e le ba komiti ba eletsa go tshwaragana le mekgatlho e e farologanyeng. “Dikereke, makgotla a balemi-barui le e mengwe fela jalo, re eletsa tshwaragano le kemo nokeng ya lona,” a tswelela. Rre Sefwake o akgotse Kgosi Sekai gore a bo a sa ipona tsapa go bona gore ditshupo tse di a gola. Bafenyi ba ne ba kgaogantswe ka maemo a bommampodi go bo go nna le ba maemo a ntlha, a bobedi le a boraro. bommampodi ba ne ba le mo dijalong le leruo ka go farologana ga tsone. Bangwe ba bommampodi e ne e le Mme Mangole Tshegang mo dijwalong a ikgapela mogala wa letheka, Mme Tshiamo Letshwiti mo leruong a abelwa diunitsi tsa P500, Mme Mmaphefo Nthwesane mo dijalong a ikgapela diunitsi tsa P500, Rre Clement Boitshwarelo mo leruong a gapa mogala wa letheka, Mme Queen Phepheng mo dijwalong a gapa mogala wa letheka le Mme Lame Tsele wa leruo a itseela mogala wa letheka. BOKHUTLHO society 9 Molao wa tsamaiso mekgatlho ya bopelotlhomogi o botlhokwa Mopalamente wa Lerala/Maunatlala Rre Prince Maele a re molao o o letlang gore go tlhodumelwe mekgatlho ya bopelotlhomogi gore e na le dithoto di fe kana e na le eng ngwaga le ngwaga o ne o tlhokafala ka o tlaa thusa puso go bona madi a lekgetho a a ntseng a fitlhwa mo mekgatlhong. A re mo nakong e e fetileng go ne go sena molao o o laolang mekgatlho ya bopelotlhomogi mme bangwe ba ne ba dirisa mekgatlho e go tsenya dithoto kana madi a bone mo go yone go tila go duela lekgetho. Rre Maele a re ba neng ba dira jalo ba ne ba dira jalo ka mekgatlho e e sa duele lekgetho. Rre Maele o ne a bua jalo kwa diphuthegong tsa kgotla kwa kgaolong ya gagwe ya botlhophi bosheng. Rre Maele o ne a itsise banni gape ka molao wa Matimela o a boletseng fa o baakantswe. A re kgang kgolo mo molaong o e ne e le lebaka le le tsewang go tlaleya matimela a a mo lesakeng le go rekisa matimela a a leng teng. A re palamente e ne ya dumalana ka molao o gore fa letimela le tsena mo lesakeng la motho a itsese ba ba maleba mo malatsing a le lesome le bone. A re mo molaong o gape khansele e letlelelwa go dirisa koloi nngwe le nngwe ya yo o ka kgonang go isa matimela kwa lesakeng la one. A re go fokoditswe nako ya go tshwara matimela kwa masakeng a matimela go tswa kwa dikgweding tse thataro go ya kwa go tse tharo. A re lebaka la dikgwedi tse thataro tse matimela a neng a nna mo lesakeng la matimela di ne di babalela ba khansele ka go ne go dirisiwa madi a mantsi go tlhokomela matimela. A re ntlha e nngwe mo molaong o wa matimela ke e e letlang ba lesaka la matimela go bolaya kgomo e e ka tswang e tshwenya kana e lwala mme go tlhomamisitswe ke ba ba lebanyeng le leruo gore e ntse jalo. Mo go tse dingwe Rre Maele o ne a itsese banni fa e tlaare ka Lwetse e tlhola malatsi a le mararo go ya kwa kgweding ya Ngwanaatsele e le lesome le bongwe, go bo go ikwadisetswa ditlhopho tse di tlaa tshwarwang mo ngwageng o o tlang. A re ga go na ikwadiso ya poeletso, ka jalo banni ba tshwanetse ba ye go ikwadisetsa ditlhopho mo nakong e e beilweng. O ne a kopa banni go shafatsa dikarata tsa bone tsa Omang nako e ise e tsamae. A re diofisi tsa Omang di tlaa bulwa le ka mafelo a beke go fa Batswana sebaka sa go dira bo Omang. BOKHUTLO politics 7 Lekalana le fetola boitshwaro Lekalana la Fokotsa Dino le fetotse boitsholo jwa banana ba Molalatau. Se se boletswe ke Mme Keineetse Osupile yo o direlang mo lekalaneng leo, le le ka fa tlase ga lephata la botsogo. Tiro e, Mme Osupile o e pataganetse le Mme Catherine Ontathile go ruta batho ka bodiphatsa jwa nnotagi. A re moono mogolo wa bone ke go rutuntsha banni ba Molalatau go fokotsa tiriso ya nnotagi le go ema nokeng ba ba batlang go tlogela tiriso ya nnotagi. Bobedi jo bo rutuntsha batho ka go tshwara dithutopuisanyo le setshaba, go tsena ntlo le ntlwana, go buisa morafe fa ba le kwa kokelwaneng, go supa ditshwantsho tsa motshikhinyego le go ba neela dipamphitshana tse di nang le melaetsa. O tlhalositse fa ba isa molaetsa o le kwa baithuting, mme a re ga ba ise ba kopane le seemo se eleng gore bana ba sekole ba dirisa diritibatsi. A re ba romela batho kwa lefelong la Ark and Mark gaufi le Motlhabaneng go rutuntshiwa mo go tseneletseng fa ba batla go tlogela ditagi. O tlhalositse fa ba isitse batho ba Molalatau ba le masome mabedi kwa Ark nd Mark mme mo nakong ya gompieno ba tlogetse tiriso ya nnotagi, e bile mongwe wa bone ba dira le ene mo go ruteng batho ka bodiphatsa jwa dino. Mme Osupile o tlhalositse gore bontsi jwa batho ba ba amegang mo tirisong ya nnotagi ke banana ba dingwaga tse di masome mabedi le botlhano go ya kwa go tse di masome mararo. A re kgwetlho e ba nang le yone ke gore go na le bangwe batho ba ba rekisang majalwa a a sa letlelelweng, bogolo jang sekhokho, bojalwa jwa magapu le khadi mme ba supa fa ba itshetsa ka one. O tlhalositse fa nnotagi e na le di-tla morago tse di sa siamang jaaka go tsenwa ke malwetse a a amanang le go dirisa ditagi, dikotsi tsa ditsela, borukutlhi, tlhakanelo dikobo e e sa sireletsegang ga mmogo le boimana jo bo sa rulaganyediwang, bogolo mo bananeng. BOKHUTLO health 6 Lekgotla la kabo ditsha le tshwenngwa ke bo maipaafela Lekgotla la kabo ditsha la Sefhare le tshwenyegile thata ka batho ba ba tsweletseng ka go ipaya masimo kwa merakeng le didiba mo mafelong mangwe a a nang le metsi. Mo potsolotsong le mokwaledi mogolo wa ofisi ya lekgotla la kabo ditsha la Sefhare, Rre Kudzani Butale o boletse fa go ipaya masimo mo merakeng go diragala thata gaufi le metse ya Machaneng le Makwate, fa didiba tsone, ele gaufi le metse ya Machaneng, Moshopha, Shakwe le Ngwapa. O tsweletse ka go tlhalosa fa seemo se, se ba tlamile go tswa letsholo go leka go se laola se ise se bife thata. Rre Butale a re e ne ya re morago ga letsholo la bone, ba bona go tshwanela gore ba rulaganye bokopano le bangwe ba ba amegang mo ditiragalong tse. A re bangwe ba ba ipeileng didiba ba setse ba kopilwe go di katela. Rre Butale a re mo kgaolong yotlhe e ba e okametseng, kgang e ke yone fela e e sa ba robatseng ka e bile e le gone e senogang bosheng. O supile fa dikgang tse dingwe ba tsweletse ka go di tila ka go bereka le bogogi ja metse jaaka dikgosi le balaodi. Go sale foo, Rre Butale o supile fa a le ‘bete se molangwana ka batho ba ba santseng ba kgona go gana ditsha dingwe tsa bonno ba re di kgakala thata le tsa masika a bone mme selo se se ba ketefaletsa tiro fela thata. A re fa go sena diphatlha tse di ka thibiwang fa gare ga motse go nna le ditsha tse di segilweng. Le fa go ntse jalo, Rre Butale o kaile gape fa ba santse ba seegetse dikopo tsa ditsha tsa bonno fa thoko, gonne ba batla go baya ba ba saleng ba ikopetse pele. O tsweletse a re ba santse ba na le bothata jwa tlhaelo ya lefatshe mo mafelong mangwe jaaka kwa Machaneng. Mo go tse dingwe, Rre Butale a re mo nakong eno ba tsweletse ka go rekisa ditsha tsa dikgwebo kwa Pilikwe, Machaneng, Ngwapa, Chadibe, Sefhare le Ramokgonami. A re ba na le dithulaganyo tse ba ba eletsang go reka ditsha tseo ba tshwanetseng go di sala morago mme ikopelo ya theko ya ditsha tseo e tla a emisiwa kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le bosupa. BOKHUTLO society 9 Monna o thudilwe ke koloi Monna mongwe o ne a thulwa ke koloi a bo a tlhokafalela gone foo ka letsatsi la ngwaga o mosha. Fa a bua mo potsolosong le BOPA mogolwane wa sepodise sa Mochudi Superintendent Olebile Sitale o boletse fa tiragalo eo e diragetse mo tseleng ya A1 mme moswi ene o tlholega kwa Matebeleng kwa kgotleng ya kgosing a tlatsa ka gore o ne a le dingwaga tse di masome a mabedi le motso. Mo tiragalong e nngwe, mogolwane wa sepodise a re monna wa dingwaga tse di masome a marataro le boraro o ne a hula mosimane yo o dingwaga tse di sa tlhomamisiwang ko masimong a Tshele mo tseleng ya Rasesa kgwedi eno e rogwa. A re bobedi joo bo ne bo bereka gone ko masimong ao mme go tlhalosiwa fa e ne e le monna le setlogolo sa gagwe mme bosigo jwa lone letsatsi leo monna yoo, o ne a bona sengwe se tsamaya ko lesakeng mme a se hula ka tlhobolo a ithaya a re o hula phologolo kante o hula motlogolo wa gagwe. A re mosimane yoo o santse a robaditswe kwa sepateleng sa Deborah Retief Memorial mme go tlhalosiwa fa a sidilega a tlatsa ka gore tlhobolo e e neng e dirisiwa ke ya mong wa masimo a ba berekang kwa go one. Le fa go ntse jalo Superintendent Sitale o gakolola setshaba go nna kelotlhoko dinako tsotlhe fa ba hula a tlatsa ka gore ba tshwanetse go netefatsa gore dinako tsotlhe ba bona se ba se hulang go itsa go hula ba bangwe. Mo go tse dingwe tse di amang malatsi a boitapoloso a a sa tswang go feta,Superintendent Sitale a re ba itemogetse koketsego mo melatong e e tshwanang ya boitshwaro jo bo makgwakgwa, dikiteo tse di potlana,go thukhutha le dikotsi tsa tsela fa go tshwantshangwa le tsa ngwaga o o fetileng. Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Mapodisi a tlhotlhomisa leso la rre mongwe Mapodisi a sejelo a tlhotlhomisa kgang e mo go yone lesea la dikgwedi tse di borang babobedi le betilweng ke metsi mo lekadibeng la dipidipidi ka Labone motshegare kwa merakeng ya Tshitlane gaufi le Ranaka. Fa a bua mo potsolotsong le Rre Matlapeng a re batsadi fa ba setse ba lemoga ba itlhetse ngwana a betilwe ke metsi mme a ragogisediwa kwa kokelong ya Sabata kwa a neng a rurifadiwa fa a tlhokafetse. Rre Matlapeng o gakolotse batsadi kana mang fela yo bana ba tlogelwang ka fa tlase ga tlhokomelo ya gagwe go nna kelotlhoko thata gore bana ba tshameka fa kae, go hema gore bana ba tshamekele fa go leng borai teng. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Boitshwaro jwa badiri bo a tshwenya Batswana ba tshwenngwa ke maitsholo a ba reng ga a jese di welang a borongwa ba dikgotla tshekelo. Mafoko a a tlhalositswe ke motshwarelela motsamaisi wa lekgotla legolo la ditsheko, Rre Michael Motlhabi fa a buisa barongwa ba makgotla tshekelo ba lefatshe leno. A re go tsibogela seo ba ne ba tla ka ditshwetso tsa gore ba kopane le beng ba dikgang go tlhaloganya sentle mathata le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone. Rre Motlhabi a re kgang kgolo ya bokopano jo ja malatsi mabedi kwa Palapye ke go tla go abelana le go seka seka ditsamaiso tse di teng gore a di santse di tsamaelana le seemo sa gompieno go kgona go itepatepanya le dikgwetlho tse di teng. A re seo se tla a dirwa go lebeletswe go tokafatsa ditirelo tse ba di neelang setshaba go fokotsa dingongorego tse di tsenang kwa go bone letsatsi le letsatsi. O ile a re ntlha e nngwe e e tshwenyang ke ya gore ba thapa bathusi mo diofising tsa bone mme ba ba dirise ditiro tse ba sa tshwanelang go di dira jaaka tsa go ya go gapa le go rekisa dithoto.O gateletse gore tiro eo e tshwanetswe go dirwa ke barongwa ba makgotla eseng bathusi ba bone. Fa a itebaganya le go diega go tsibogela dikgang tsa setshaba , Rre Motlhabi a re seo se ka kgonega fela fa ba ka bereka ka botswapelo ba itse fa ba direla setshaba. E ne e rile go le pele, mo mafokong a gagwe a kamogelo, mogolwane wa kgotla tshekelo Mme Tshegofatso Mogomotsi a re, ba kokoanetse go tla go abelana ka dintlha tse di tla a ba tsamaisang le gone go simolodisa ofisi e e tla a lebaganang le dikgang tse di ba amang ele barongwa. A re mo nakong eno ke ene a okametseng ofisi eo mme o tlhoka bathusi ka tiro ya gagwe ele ntsi fela thata. Mme Mogomotsi o ne a re maikaelelo a mogolo ke go tla go buisana le go sekaseka diphetogo tse di akantsweng le gone go bona gore di tsenngwa jang mo tirisong go leka go tokafatsa tiro ya bone, a tlatsa ka gore o lemoga sentle tiro e ntle e bangwe ba bone ba e dirang ka botswapelo. O ile a re ba amogela dikgang tse di tswang mo setshabeng di ka nna lesome le botlhano mo bekeng, mme a re se, se supa fa Batswana ba sa itumelele tiro le maitsholo a bone. A re seo se ama serodumo sa lekgotla legolo la ditsheko e bile go ba senya leina. O ile gape a re o a lemoga e bile o tlhaloganya sentle gore le bone ba na le tse di sa ba itumediseng, jalo a tlhalosa fa e le nako ya gore ba di buisane ba sa supa supane ka menwana mme ba lebile gore ba ipaakanye. A re go botlhokwa gore Batswana ba ba tshephe mme ba ka ba tshepha fela fa ba ka busetsa seriti sa tiro ya bone le go supa setho se se amogelesegang. BOKHUTLO society 9 Mokhanselara o akgola badirelapuso Mokhanselara wa kgaolo ya Kauxwi/Xakao mo kgaolong-potlana ya Okavango Rre Television France o akgotse komiti ya badirelapuso ya motse wa Xakao ka maiteko a go ntsha batho mo lehumeng ka go rekela motlhoki wa kgotlana ya Mabudutsa Mme Kavata Resheko dimpho. Mme Resheko o reketswe dijo, diaparo, dilwana tse di jelang ga mmogo le didirisiwa tsa mo lapeng di akaretsa setilo le kobo. Le fa gontse jalo o ne a leboga morutabana wa sekole se sebotlana sa Xakao Rre Possent Masingizane yo o neng a ithaopa ka go ntsha koloi ya gagwe go dirisiwa fa go tlhabololwa ntlo ya ga Mme Resheko. Mokhanselara o ne a rotloetsa banni go tlhabantsha semorafe mme ba tshwaragane go tlhabolola motse le matshelo a bone. Fa a ntsha la gagwe, modulasetilo wa komiti ya badirelapuso mo kgaolong eo mme Ngonda Setlhare, a re ba tsamaya mo motlhaleng wa moeteledi pele wa lefatshe leno go leka go lere seriti mo go bao ba ba sa nnang lesego mo botshelong. Mme Setlhare yo gape e leng mogokgo wa sekolo se se botlana sa Xakao a re ba tlamegile go tsibogela matshelo a batho ba ba berekelang kwa go bone e le tsela ya go supa lorato. O supile fa baeteledipele e le barongwa e bile goromente a ka se kgone go tsibogela matshelo a batho lefatshe ka bophara a le nosi mme bao ba ba kgonang ba tshwanetse go tsamaela kwa pele go mo thusa. Fa a mo kgwa dikgaba modulasetilo wa komiti ya tlhabololo metse Rre Mathata Kashongo, o lebogile tiro e e dirilweng ke badirelapuso, a tlatsa ka gore ke lantlha go diragala tiro e ntle jalo mo motseng wa bone. O ne a supa fa dimpho tseo di le maleba e bile di le dintsi mo matlhong a Modimo. Le fa go ntse jalo o ne a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo go direng tiro eo mme a ba kgothatsa go tshwaragana fela jalo go ya pele. Fa a ntsha la gagwe morotloetsi, Rre Motsamai Poroto o ne a leboga lorato la badirelapuso ba ba tswang kwa mafelong a a farologaneng mme ba kgona go lemoga botlhoki jwa ga mme Resheko le go supa lorato mo go ene ka go mo thusa. Fa a ntsha la gagwe yo o thusitsweng mme Resheko o ne a lebogela dimpho tseo mme a supa fa lesedi la lorato le tlaa phatsima mo dipelong tsa bone go ya kwa pele. society 9 Go dira sentle le badirelapuso go molemo Mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare e bile e le mothusa tona wa banana, metshameko le ngwao, Rre Kefentse Mzwinila o rotloeditse banni ba Mogapinyana le Mogapi go bereka le badirela puso gore ditlhabololo di kgone go goroga kwa metseng ya bone. Rre Mzwinila o ne a bua mo phuthegong ya Kgotla kwa Mogapinyana bosheng, a tsibogela mafoko a mokhanselara wa motse oo Mme Mmaletsatsi Nthobatsang. Mme Nthobatsang o ne a supa fa e rile bosheng a tswa ka mogopolo wa go thusa batho ba le lesome le bosupa ba ba supileng bokgoni mo ditirong tse di farologaneng tsa diatla di akaretsa kago, motlakase, go tsenya metsi mo matlong le go nosetsa ditshipi. Mme Nthobatsang o supile fa batho ba go nna jalo e le bone ba gantsi ba thapiwang mo ditirong tsa diatla mme go sena se se netefatsang bokgoni jwa bone. A re se se ne sa mo gwetlha gore a ikopanye le ba sekolo sa Madirelo Training Centre go tlhatlhoba bokgoni jwa batho bao, bangwe ba bone ba kgona go pasa mme ba neelwa ditlankana. Rre Mzwinila o ne a kgothatsa Mme Nthobatsang go tswelela ka se a se dirang ka e le maikaelelo a puso go tokafatsa dikitso tsa Batswana a bo a supa fa Mme Nthobatsang a dirile tiro e tona ya go tokafatsa dikitso tsa banni ba kgaolo ya gagwe. A re puso e rotloetsa gore ditiro tsa mo magaeng di dirwe ke beng gae mme se, se tlaa dira gore ditlhabololo di nne teng ka gona le batho ba ba nang le dikitso tse di tlhokegang. Rre Mzwinila o ne a rotloetsa dikhansele le morafe go dirisa batho ba go nna jalo gore ba fokotse letlhoko la ditiro mo motseng. Ba mokgatlho wa ga Pelo ya ga Mzwinila Trust, ba ne ba abela bana ba sekole se se botlana sa Mogapinyana dibeke di le lekgolo le didirisiwa tse dingwe tsa sekole. Kwa Mogapi, banni ba ne ba supa go sa itumela mabapi le kokelwana ya motse wa bone, ba supa fa ba sa le ba solofeditswe fa e tlaa katolosiwa ka lenaneo ya ESP mme ba sa kgone go tlhaloganya gore seo se ya go diragala leng. Dr Gobusaone Morupisi go tswa kwa Palapye District Health Management Team (DHMT) o tlhaloseditse morafe wa Mogapi fa kokelwana ya bone e tlaa agiwa ka legato la boraro la ditlhabololo. Dr Morupisi o supile fa letlhoko la bodiredi jo bo rutetsweng tiro ya dikago kwa lephateng la botsogo e le lo ne le dirileng gore ditlhabololo tsa legato la ntlha di tshwana le go atolosiwa ga kokelo ya Lerala le ya Matlhakola di bo di ise di simolole go agiwa. Rre Mzwinila o ne a kopa morafe wa Mogapi go nna pelotelele le go tswa ka megopolo e e ka thusang gore e re ba sa ntse ba letile katoloso ya kokelwana ya bone, ba bo ba ka kgona go bona ditlamelo tsa botsogo ka go supagetse fa ba tsaya kalafi kwa Sefhophe le Selebi Phikwe. Rre Mzwinila o ne a kopa banni ba metse eo go ipaakanyetsa loeto lwa ga Tautona fa a tlaabo a le kwa Mmadinare Tlhakole a tlhola malatsi a le mabedi. BOKHUTLO politics 7 Lekgotla le foseditse Bakwena-modulasetilo Modulasetilo wa lekgotla le le tona la kabo ditsha la Kweneng, Rre Moemedi Babitseng o amogetse gore ba foseditse morafe wa Bakwena ka go abela morui mongwe yo o tumileng lefatshe go aga matlhabelo mo lefelong le le neng le seegetswe fa thoko go dirisediwa ditiro tsa morafe tsa bojanala. Modulasetilo o tlhomamisitse se fa a lekodisa morafe mo phuthegong kwa kgotleng ya Ratlhomelang kwa Molepolole. A re, e re ntswa a le mosha mo setilong, ga a tlhaloganye gore lekgotla la nako eo le ne le lebile eng fa le abela Rre Clement Kgosiemang setsha se se mo godimo ga dithaba tse di mo tseleng ya Lentsweletau/Molepolole sa bophara jwa dikhilometahara di le 3.3, a bolela fa se se diragetseng e le phosego. Rre Babitseng a re o dumela fa go ya go supa botlhaswa mo letlhakoreng la lekgotla la kabo ditsha ka jaana tshwetso e tserwe kgatlhanong le bogakolodi jwa dikomiti di tshwana le lekgotla la kabo ditsha le le botlana la Molepolole le komiti e tona ya bogakolodi ka tiriso ya lefatshe ya DLUPU. Le fa go ntse jalo, modulasetilo o supile fa go le thata mo nakong eno go ka tswa ka karabo ya gore lekgotla le tla a tsaya tsela efe go tlisa tharabololo mo kgannyeng e, segolo jang ka e akaretsa mabitla ka jaana go ya go tlhoka morero le ba ba amegang. O bile a supa gape fa kgang eo e santse e mo thatafalela ka jaana ele mo makgotleng a ditsheko, le ntswa go ne ga ntshiwa katlholo ya yone ke mmakaseterata yo mogolwane wa Molepolole, Rre William Modise a laela ba kabo ditsha go ya go kopana le makgamu a amegang go rarabolola kgang mo dikgweding tse pedi mme nako kgolo ke eno. Le fa gontse jalo, morafe wa Bakwena o batla tlhaloso ya gore molemi morui yoo o abetswe jang lefatshe leo go sena morero. Ba tlhalosa fa go abela Rre Kgosiemang lefatshe go kgopakgopetsana le morafe ka jaana ba supa ditsha tsa gagwe tse di akaretsang masimo a mabedi a a bolelang fa a a rekile a akaretsa mabitla a morafe le sediba sa puso, tse mo nakong eno di ageletsweng e bile morafe o sa tlhole o na le tshwanelo mo go tsone. Morafe o tlhalosa fa o beilwe setsha sa mabitla se Rre Kgosiemang a reng ke sa gagwe ka 1982 mme ba re morui yoo, o se ageletse morago ga go bolokwa ga kgosi wa kgaolo eo Rre Gaorutwe Mokopotsa le monni mongwe wa kgaolo ya Magokotswane mo go sone. Tiego ya tharabololo ya kgang ya ga Rre Kgosiemang mabapi le mabitla a a kwa kgotleng ya ga Ratlhomelang, go lebega e ya go baya morafe wa Mokwena ka fa mosing ka jaana mabitla a Masu-a-Ditshwene, a eleng one a morafe wa Bakwena o ntseng o boloka mo go one a setse a tletse. Morafe gape o lela ka go lopiwa madi madi le dikgomo fa leruo le raletse naga e rre yoo a kayang ele ya gagwe. Mokwalo wa teseletso o ba BOPA ba kgonneng go o bona o supa fa lefatshe le le mo diatleng tsa ga Rre Kgosiemang le ka nna bophara jwa dikhilomethara di ka tshwara 15, kgatlhanong le tlhaloso ya ga modulasetilo ya gore bone ba tlhaloganya fela 3.3 wa kgwebo ya matlhabelo. Ga se Rre Kgosiemang fela yo o amegang mo madudubeng a go abelwa setsha mo lefelong le go kaegang ele la ditiro tsa morafe, Rre Sebomo le ene o ya go akola meamuso ya tlholego e e dikaganyeditseng kgaolwana eo ka kgwebo ya gagwe ya motel. Mongwe wa banni, kgosana Rre Batshwanetse Mosarwa a re peo ya ga Rre Kgosiemang e ne e le fela gore a kgone go bona pusolosetso ka jaana thulaganyo ya gore tsela e e dikologang motse e ya go feta foo e tsepame. Rre Sethiba Kgalaeng, yo o kileng a nna tokololo ya lekgotla le le tona la kabo ditsha la Kweneng o gateletse mafoko a ga Kgosi Mosarwa gore lekgotla la kabo ditsha le ne le itse ka thulaganyo ya lefatshe leo ka jaana komiti ya DLUPU e sa bolo go gakolola fa lefatshe leo ele la ditiro tsa morafe wa Bakwena. Bokhutlo society 9 Bogodu bo a oketsega kwa Kazungula Mookamela mapodisi a Kazungula, Superintendent Vusimuzi Jorowe, a re o tshwentswe ke bogodu jo bo golelang pele kwa Kazungula Newstance. Supt Jorowe a re ka Kazungula Newstance a gola ebile a tlhabologa, banni ba ba agang matlo ba tshwenngwa ke bogodu jwa mabati le difensetere. Supt Jorowe o ne a gakolola banni gore ba seka ba nna ba tlogela sepe mo matlong a a sa felang. O ne a gakolola gape gore ba nne ba tshwaya dilo tsa bone gore fa di bonwa batle ba itse gore ke tsa bone ka letshwao mme a re ba tsweletse ka ditlhotlhomiso go leka go tshwara magodu ao. Mo dikgang tse dingwe, Rre Jorowe a re ba mo ditlhotlhomisong tsa matshosetsi a banyalani ba dingwaga tse di magareng ga masome mabedi le botlhano go ya ko go masome matlhano. A re ba tshegeditse monna mabapi le go dirisa mafoko a matshosetsi fa ditlhotlhomiso tsone di tsweletse. O ne a gakolola gore fa banyalani ba na le tlhoka kutlwisano, ba nne ba leka go bua le makalana a tshidilo maikutlo kana ba ye ko go molaodi go kopa thuso. Supt Jorowe o ne a gakolola gape gore batho ba seka nna ba dirisa mafoko a matshosetsi ka gore ke molato. crime_law_and_justice 1 Mananeo a puso a molemo Mopalamente wa Lobatse gape e le tona wa di-tswa mmung, kgotetso le boranyane jo bo sa kgotleleng tikologo, Advocate Sadique Kebonang o rotloeditse morafe go inaakanya le mananeo a puso go itshetsa. Mopalamente Kebonang o buile jalo a buisa phuthego ya kgotla kwa Woodhall bosheng. O boletse gore batho ba ka itshetsa ka mananeo a puso le gone go tlhamela ba bangwe mebereko, e seng fela go ikaega ka puso go ba fa ditiro. O tlhalosa gore o dira thotloetso e ka jaana Batswana ba ikaegile segolo bogolo ka ditiro, a tlatsa ka go re mo tsamaong ya nako botshelo jwa moepo bo a fela, a afa sekai ka moepo wa kopore kwa Selebi Phikwe, o a reng o na le dingwaga tse di ntsi o sa dire dipoelo, jalo puso ya tlamega go tsaya tshwetso ya gore o tswalwe mme bontsi bo ne jwa latlhegelwa ke ditiro. Le fa go ntse jalo, o supile fa puso e sa latlha badiri ba moepo oo, ka dithulaganyo tsa go bona gore ba ka thusiwa jang di tsweletse. Mma toropo wa Lobatse, Mme Malebogo Kruger o kopile setshaba go nna matlho a puso, ka jaana e latlhegelwa ke madimadi go baakanya dipone tse di mo mekgwatheng ka ntlha ya tshenyo e e dirwang ke batho . Fa a latlhela la gagwe, Rre David Relemogeng o ne a leboga mopalamente, a bolela gore puisanyo e e tlhamaletseng e botlhokwa, a tlatsa ka go kopa puso go dira lenaneno la itshetso le le lebaganeng le bagodi. A re o tshwenngwa ke mosuke wa dikoloi mo toropong, a kopa gore go atolosiwa ga ditsela go nne mo ditogamaanong tsa khansele mo ngwageng o o tlang wa madi. O ne a lebogela tshimolodiso ya madirelo a matlalo, a supa fa e tlaa thusa go nonotsha itsholelo ya toropo. Fa a afa malebo, Mokhanselara wa kgaolwana ya Woodhall, Rre Molaodi Mantle o ne a lebogela loeto lwa ga mopalamente, a tlatsa ka go re Modimo o mo thuse go diragatsa tsotlhe tse a eletsang go di direla morafe wa Lobatse. Ka jalo, o ne a kgothatsa morafe go ema moeteledipele wa bone nokeng ka dinako tsotlhe, go bona gore ba tshwaraganela tiro ya go tlhabolola toropo. BOPA society 9 Makhanselara a lopa therisano Makhanselara mangwe kwa Ghanzi a re go botlhokwa gore Batswana ba ka bo ba rerisitswe ka motshine o o tsileng go dirisiwa mo ditlhophong tsa botlhe tsa 2019 ka jaana e le selo se se amang molao. Makhanselara a buile mafoko ao fa molomaganyi wa tiriso ya motshine oo, Rre Gabriel Seeletso a ne a buisa khansele ya kgaolo ya Ghanzi bosheng. Mokhanselara wa kgaolwana ya Bosele, Rre Onalethata Ngati a re go tswa goo lowe Motswana ke motho yo o ratang therisano mme mo malatsing a gompieno melao e kare e fetisiwa fela go sa rerisiwa Batswana. Mokhanselara wa Ncojane, Rre Baduetse Setswalo a re diphetogo di tshwanetse go nna teng mme go dirilwe therisano kwa ntle ga gore go dirwe diphetogo mo molaong mme batlhopi ba sa itse. A re motshine oo o wa o amogela mme o sebete se molangwana ka one. Erile mokhanselara wa Grootlagte Rre Ezekiel Kajuu a akgela a supa fa ene a amogela motshine oo ka o tlaa thusa gore maduo a tswe ka bonako. A re mafatshe a mangwe a dirisa motshine oo mme ditlhopho tsa bone di tsamaya sentle. Mokhanselara o kopile Rre Seeletso gore motshine oo o dirisiwe sentle go tila dingongora tsa batlhopi. A re tlhopho e botlhokwa fela thata mo matshelong a batho.A re fa o bona kwa mafatsheng a mangwe go na le dintwa tse dintsi jaana ke go sa tsamaisiweng sentle ga ditlhopho. Mokhanselara Kajuu a re o kopa gore morago ga ditlhopho mochine oo o ntshe pampiri e e supang gore go tlhophilwe jang. E rile Rre Seeletso a araba dikakgaelo tsa makhanselara a re o a itse gore maikutlo a bone a farologanye ka motshine oo mme fela ke one o o yang go dirisiwa ka ditlhopho tsa 2019 ka gore puso e setse e tsere tshwetso ebile molao o setse o fetisitswe kwa palamenteng. Rre Seeletso a re go botlhokwa gore makhanselara a tswelele ka go bolelela batlhophi ba bone ka motshine oo ka gore ke bone baeteledipele e bile ke bone matlho a setshaba. A re motshine oo ga o ye go fitlha sepe ka sengwe le sengwe se ya go direlwa mo pontsheng. Rre Seeletso a re fa go simololwa go tlhophiwa o ya go ntsha pampiri le gone fa ba sena go fetsa go tlhopha o ya go ntsha pampiri ya pego e e supang gore ba tlhophile jang. A re diofisi tsa ditlhopho mo dikgaolong di ya go tswelela di tshwara diphuthego tsa kgotla go tsibosa Batswana ka motshine oo le bone makhanselara a tshwanetse go nna le seabe se se bonalang. Rre Seeletso a re motshine oo o ya go diragatsa dikeletso tsa Batswana e bile ga a bone fa o tsile go nna le diphoso tse dintsi jaaka o fitlhela di leteng fa go tlhophiwa. A re mochine oo o ya go nna bofefo mo go baleng ditalama le go fokotsa mela e metelele go na le fa go tlhophiwa go dirisiwa mokgwa wa bogololo wa go tlhopha. Rre Seeletso a re ba ya go tsamaya ba buisa dikhansele tsotlhe mo lefatsheng leno ka motshine oo. politics 7 Ipaakanyetso ditlhopho e tsweletse Mogolwane mo lephateng le le ikemetseng la tsamaiso ditlhopho kwa Francistown, Rre Nyanga Nyanga a re ofisi ya gagwe e malala a laotswe go tshwara ditlhopho tsa poeletso tsa bokhanselara tsa kgaolwana ya botlhophi ya Moselewapula kwa Francistown tse di tlaa tshwarwang ka Matlhatso. Ditlhopho tse di tla jaana morago ga go tlhokafala ga mokhanselara wa pele wa kgaolwana eo wa phathi ya Botswana Democratic Party (BDP), Rre Lechedzani Modenga ka Hirikgong mono ngwaga. Rre Nyanga o tlhalositse mo potsolotsong le BOPA gore ba dirile tsotlhe tse di tlhokafalang go ka tshwara ditlhopho tseo jaaka go tshwanetse. O tlhalositse fa ikwadiso ya bontlhopheng ba ba neng ba eletsa go phadisanya mo ditlhophong tse tsa poeletso e dirilwe ka thelelo kgwedi e e fetileng mme diphathi tsa sepolotiki ka go farologana tsa tlhomamisa maina a bontlhopheng ba bone. A re phathi ya Alliance for Progressives e tlaa emelwa ke Rre Odireleng Ditshotlo, fa Umbrella for Democratic Party e romile Rre Rueben Ketlhoilwe. Ba BDP bone ba tlhomamisitse Rre Gilbert Boikhutso go ka nna ene morongwa wa bone go ka tshegetsa kgaolo e e neng e le mo diatleng tsa bone. Rre Nyanga o tlhalosa fa mo ditlhophong tsa setshaba tsa 2014 go ne go ikwadisitse batlhophi ba le sekete, makgolo a supa, masome a mabedi le botlhano, mme mo palong eo go ne ga tlhopha batlhophi ba le sekete, makgolo a mararo, lesome le borobabobedi. O bile a kgothatsa banni ba kgaolo ya Moselewapula go ya go tlhopha ka dipalo tse di kwa godimo, a tlhalosa fa tlhopho ya bone e le botlhokwa go ka itlhophela ntlhopheng wa bone yo ba nang le tshepho le tumelo gore o ka nna le kemedi ya motia kwa khanseleng. O tlhagisitse ba ba latlhegetsweng ke dikarata tsa ditlhopho go iketleetsa go tla go direlwa meriti. A re ba ofisi ya gagwe ba setse ba dule letsholo go tsena mo kgaolong go direla ba ba latlhegetsweng ke dikarata tseo. O tlhagisitse fa go ikopela go direlwa meriti ya dikarata tsa go tlhopha go tlaa khutla ka Labotlhano, letsatsi pele ga letsatsi la ditlhopho. Rre Nyanga o ne gape a tlhalosa fa ba tshwaragane sentle le ba ofisi ya Omang go ka thusa ba ba senang dikarata tsa Omang ka tsela e e faphegileng go fema tiego e e ka nnang teng. BOKHUTLO politics 7 UCCSA e lemoga seabe sa ga moruti Taolo Moruti wa kereke ya UCCSA Reverend Mandlenkosi Ncube a re tshwaragano fa gare ga moruti le phuthego e ka dira gore kereke e gole. Rev. Ncube o buile seo kwa tirelong ya kereke ya UCCSA, e e neng e itebagantse le go lemoga seabe sa bodiredi jwa ga moruti Tebogelo Taolo mo go direleng modimo kwa Bobonong ka Tshipi. O tlhalositse fa go lemoga seabe sa ga Rre Taolo go tla morago ga gore Rre Taolo a dire Diploma in Theology, a tlatsa ka gore Rre Taolo o ntse a tshwere maemo a boefangedi mo kerekeng eo ka jalo a supa fa Rre Taolo a tla nna dingwaga tse pedi e ntse e le moithutuntshi (intern) pele a thapiwa go tshwara maemo a Reverend. Rev. Ncube o gwetlhile Rre Taolo go bereka thata, a tlatsa ka go re bogogi jwa kereke bo tlaa nna bo mo tlhomile matlho. O tlhalositse gore tiro ya boruti e batla motho wa mowa le pelo e e edileng e bile gape a le maikutlo mangwefela ka gore moruti ke motho wa batho botlhe. Rev. Ncube o kopile Moruti Taolo go itshokela dikgwetlho gammogo le go itse tiro ya gagwe ka boammaruri. O kopile Rre Taolo go nna le maitshwaro a a faphegileng mo setshabeng le mo kerekeng gore a kgone go bona tlotlo. Fa a tswa la gagwe, Mme Agnes Tawana o tlhalositse fa Moruti Taolo e le motho yo o ikanyegang e bile a direla modimo a sa iphitlhe ka monwana. A re Moruti Taolo ga a a itebaganya fela le go direla kereke eo, mme ke motho yo ratang go dira thata le batho. Mme Tawana a re tirisano mmogo ya moruti le setshaba ke yone e mo dirileng gore a kgone go ngokela maloko a masha mo kerekeng. O kaile fa tshwaragano ya ga Moruti Taolo le setshaba e kgatlhisa ka jalo a supa gore e ne ya re mo kgweding ya Lwetse a tshwara merapelo le baagi ba motse wa Bobonong go rapelela HIV/AIDS. Mme Tawana a re mo dingwageng tse tlhano tse Moruti Taolo a ntseng a direla mo Bobonong, o kgonne go bula dikereke tse dingwe tsa UCCSA mo metseng e tshwana le Gobojango, Semolale, Tsetsebye le Molalatau. A re seo se supa gore Moruti Taolo o setse morago molao-motheo wa kereke eo o o saleng o tlhongwa ke baeteledipele ba pele ba kereke ya Lontone, Rre David Livingstone le Rre Robert Moffat. Mme Tawana a re kereke ya UCCSA ya Bobonong ke kereke ya bogologolo ka e na le dingwaga di le lekgolo e ntse e le teng. Fa a latlhela la gagwe, Moruti o solofeditse phuthego ya Bobonong fa a tlaa tswelela a ba eme nokeng ka nako tsotlhe. O tlhalositse fa go etelela phuthego e se selo sepe se sesha mo go ene, a tlatsa ka go supa fa a setse a kile a dira tiro ya boruti mo mafelong a a akaretsang Maunatlala, Sehithwa, Gumare le Tonota pele fa atla mo Bobonong. A re ntswa ba aparetswe ke dikgwetlho tsa go tsenela kereke ka fa tlase ga ditlhare mo metseng e tshwana le Semolale, Tsetsebye le Gobajango ga go ba kgobe marapo. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Banni ga ba itumelele seemo sa ditsela Banni ba kgaolo ya Serowe Borwa ba kopile puso go baakanya ditsela tse di ralalang dikgotla tsa bone, le e e yang masimong a Mokgware ka bontsi jwa bone ba lema teng. Ba buile se mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo e bile e le tona ya tsa mafatshe a sele Dr Pelonomi Venson-Moitoi kwa dikgotleng tsa Sesoma, Masilo le Motshwana bosheng. Banni ba tlhalositse fa ditsela tsa Serowe di senyegile thata mo go itsang dipalamo tsa setshaba go ba baya mo malwapeng. Ba re tsela ya Serowe/Mokgware e senyegile thata mo ba patelesegang go potologa kwa Radisele fa baya Mokgware. Mo go tse dingwe ba kopile puso go tsibogela seemo sa beng ba diterekere go ba ruta temo ka ditselana ka ba di kile ba ba beile mo leshekereng go na le ba ka bo ba lemile ka go gasa. Ba re ntswa temo ya go jala ka ditselana e siame thata, bora diterekere ba dikile ba ba tlhokisitse thobo ka ba ne ba lema masimo a mantsi pele ba jwala mme seo sa ba seisa pula. Ba kopile gore go duelelwe temo ka go kgaogana jaaka go lema, go thuba makwete le go jala. Banni ba kopile gore puso e tsibogele kopo ya go ba baakanyetsa sepatela sa Sekgoma se segologolo go dira kokelwana ka e le gaufi le bone. Fa ba bua ka dikgang tsa lenanaeo la nyeletso lehuma, banni ba tlhalositse fa ba sale ba isiwa dithutuntshong tsa mananeo a ba neng ba a kopile dingwaga tse di fitileng le gompieno ga ba ise ba fiwe di dirisiwa go simolola dikgwebo potana tsa bone go itshetsa. Ba re seo ke kgwetlho ka ba ne ba solofetse gore ba bonye se ba ka itshetsang ka sone jaaka go apaya, go roka le tse dingwe. E rile fa a tsibogela mathata le dingongorego tsa banni, modulasetilo wa kgaolo potana ya Serowe Rre Mpho Kooreme a tlhalosa fa khansele e tsibogela matlhoko a bone fela madi e le one sekgoreletsi mo go kgoneng go dirafatsa maikaelelo a puso. E rile a ba kgwa dikgaba Mme Venson-Moitoi a re letlhoko la madi ke lone le diyang kgang ya go tlhabolola dikago tsa kokelo ya Sekgoma, a re maikaelelo a puso ke gore ba dirafatse maitlamo a ba a solofeditseng Batswana, mme ditiro tse di kgonegang go dirwa di dirwe tse di sa kgonwang batsadi batla lekodisiwa. O ne a lekodisitse banni ka tirafalo ya lefatshe la Africa borwa gore bana babalesegile, botsadi bo ne bo tshwenyegile thata ka ba sa itse gore bana ba fa kae. O kopile botsadi go tlhagafalela thuto ya ba na ba bone ka e le boswa jwa bone, a re o lemogile fa batsadi ba sa etele dikole go bona tiro ya bana le go sekaseka tiro ya ngwana fa a tswa sekolong. Barutabana ba ne ba ngongorega thata gore botsadi ga bo tlhakanele bana le bone go ba thusa mo go tsa thuto e bile bangwe ga ba tlhokomelwe sentle. Ka tsela ya Serowe/Mokgware o ne a tlhalosa fa a buile le ba lephata le ditsela gore e tlhoka go potlakelwa. BOKHUTLO politics 7 Dipolao di tlhoka go tsibogelwa Mothusa tona mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso a re go golela pele ga dipalo tsa bomme ba ba bolawang ke borre ke kgwetlho e e tlhokang go tsibogelwa ka mashetla. Mme Tshireletso a re dikgang tseo di diga serodumo sa lefatshe le mowa wa kagisano le botho e tshaba ya Botswana e itsegeng ka yone lefatshe ka bophara. O buile jalo ka Labobedi a buisa bokopano jwa komiti ya batsadi le barutabana le baeteledipele ba dikomiti tse dingwe le bodirela puso kwa sekoleng se sebotlana sa Xhosa mo Mahalapye. A re go ngomola pelo go bona bomme ba tsweletse ba bolawa ka methale e e makatsang mo mongwe bosheng go feletsweng a bolokwa mmele wa gagwe o se mmogo. O supile fa seemo se e le kgwetlho e e tlhokang popagano le thapelo gore Modimo a kgone go fetola mewa aee sa siamang ee apereng tshaba ya Botswana. Mme Tshireletso o gwetlhile banna go itse methale e e molemo ya go rarabolola dikgotlhang go na le go gagautlhana ga mmogo le go keteka basadi fa pele ga bana. A re go dira jalo go ruta bana mekgwa e e maswe. A re bana ba basimane ba tshwanetse ba rutwa mo go tseneletseng gore ba gole ba nonofile, ba itse go emela dikgwetlho mme ba kgone go amogela fa ngwana wa mosetsana a re lorato le fedile, a tlhalosa fa lorato ele selo se se kgonang go tswapoga mme le fele ka jalo ngwana wa mosimane o tshwanetse a ikemisetse go amogela seemo se. Mme Tshireletso a re go botlhokwa gore ngwana wa mosimane a lemoge gore phelelo ya lorato ga se bokhutlo jwa lefatshe, ka jalo ba tshwanetse go amogela seemo. O ne a supa gore le fa lenyalo e le thulaganyo ya Modimo e bile e le selo se se monate, o tshwenngwa ke gore basadi bangwe ba tsweletse ka go kgokgontshiwa ke banna ba bone. A re se se utlwisang botlhoko le go feta ke gore bomme ba ba mo manyalong a a tletseng kgokgontsho ba na le go itshoka ba re ba swela dikano. Mme Tshireletso o kgadile a sa kgwe mathe mokgwa wa bomme ba ba mo manyalong a a bosula a a tletseng kgokgontsho mme ba itshokile ba re ba swela dikano. A re mokgwa oo o tshwanetse wa ema ka e le one o o bakang dipolaano. A re nako e tsile ya gore bomme ba kgwe mathe dilo tse di maswe tse di ba diragalelang mme ba bue ka lentswe le le lengwe go emisa masula a a apereng lefatshe la Botswana. Mo go tse dingwe mothusa tona o gwetlhile dikomiti tsa motse go dirisana le go itsane matshwenyego ga mmogo le go thusana ka megopolo e e ka thusang go ntsha maduo go tlhabolola le go godisa motse. Mme Tshireletso o gwetlhile dikomiti go rerisa morafe pele ga di tsaya ditshwetso. A re komiti ya ditlhabololo ya motse ke yone goromente wa motse ka jalo go mo maruding a yone go itse batho ba motse. END crime_law_and_justice 1 Segakolodi o inamola lehuma ka dikoko tsa Setswana Batswana ba kgothadiwa go inaakanya le mananeo a puso e tsweletseng ka go a ntsha gore ba tokafatse matshelo a bone. Mafoko a, a builwe ke Mme Sarona Segakolodi wa Bonwapitse mo kgaolong-potlana ya Mahalapye mo potsolotsong le BOPA bosheng. A re o ne o ikopela dikoko tsa Setswana ka lenaneo la LIMID ka 2007 go leka go inamola mo lehumeng. Mme Segakolodi a re kopo ya gagwe e ne ya atlega mme a thusiwa ka dikoko di le masome mabedi le botlhano gammogo le ditsompelo tsotlhe tse di tlhokegang mo thuong ya dikoko. O tlhalosa fa pele a ne a tshelela mo lehumeng, mme ka thuso ya LIMID botshelo jwa gagwe bo tsamaya sentle. A re morago ga go amogela dikoko, o ne a ya go ithuta ka leruo kwa Rural Training Centre mo Mahalapye gore a tle a kgone go tlhokomela dikoko sentle. “Ka lesego la Modimo ke ne ka fenya dithuto tseo ka bo ka fiwa setlankana,” a tlhalosa. Mo nakong ya gompieno o supa fa dikoko tsa gagwe di tsweletse ka go ata. O boletse gore fa dikoko di ntsifala o rekisa tse dingwe go ka itshetsa gammogo le go rekela tse dingwe dijo le melemo. O kaile fa bareki ba gagwe e le ba lenaneo la nyeletso lehuma,dikgwebo tsa boroko kwa Mahalapye gammogo le banni ba motse, a tlatsa ka go re dikoko tsa gagwe di simolola ka P70 go ya kwa go P150. A re o kgonne go tsenya motlakase ka madi a dikoko gammogo le go tsenya bana ba ekole. Mme Segakolodi o ne a gakolola Batswana go tlhoafalela thuo ka e ka ba namola ba le bantsi mo lehumeng. A re mmaraka wa dikoko tsa Setswana o santse o le teng ka gore bangwe batho ga ba rate dikoko tsa sekgoa. Mo godimo ga moo, Mme Segakolodi o boletse fa dikgwetlho tse a kopanang le tsone di tshwana le tlhaelo ya lefatshe le go tlhoka tirisano ga bagwebi ba bangwe ka ba batla go ba digela kwa tlase. A re kgwetlho e tona mo thuong ke ya malwetse, a tlatsa ka go re bosheng dikoko tsa gagwe di ne tsa tlhaselwa ke bolwetse mme bontsi jwa tsone tsa aswa. Mme Segakolodi a re le fa dikgwetlho di ka nna teng, ga a kitla a kgobega marapo go tswelela. O boletse fa katlego ya gagwe e tshegeditswe ke ba temo-thuo ka ba bereka le ene ka dinako tsotlhe, a re ba mo fa dikgakololo le thuso epe fela e a ka tswang a e tlhoka. Gape o ne a gwetlha ba ba maoto a tshupa go ikopela mananeo a puso go ka intsha mo lehumeng la nta e tshetlha. O ne a kgothatsa banana ba Bonwapitse go tsaya mananeo a tsia go ka fetola matshelo a bone gammogo le go tlhamela ba bangwe ditiro. Mme Segakolodi o rotloeditse bagwebi go sa letlelela dikgwetlho go nna mmaba mo go bone. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Botsamaisi jwa Mahupu bo ikaelela go tokafatsa maduo Sekole se segolwane sa Mahupu kwa Takatokwane kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng, se itomile molomo wa tlase go ntsha maduo a a nametsang go tswa gompieno go ya pele. E rile a bua kwa phuthegong ya batsadi le barutabana bosheng, mogokgo wa sekole se, Rre Khan Masau a re ba ikaelela go tshwaragana le batsadi ba bana ba ba dumelelwang mo go sone go tswa mo metseng yotlhe ya kgaolo-potlana ya Letlhakeng. A re sekole sa Mahupu se tswa kgakala se sa ntshe maduo a a kgatlhisang gotlhelele, mme a re go tlhoka go ntsha maduo go tsalwa ke tirisanyo e e loleya gareng ga barutabana le batsadi mo go bakang gore baithuti ba tlhoke botho le go tlhoka go kgatlhegela thuto. Rre Masau a re seemo se, se digela maduo kwa tlase ngwaga le ngwaga. O supile fa maitlamo a bone, e le go aga botsalano jwa motia gareng ga barutabana le batsadi ka jaana tshwaragano magareng ga bobedi joo e le yone e ka thusang go tokafatsa maduo. A re se, se ka kgonagala fela fa batsadi le bone ba ka ikitaya ka thupana. O ikuetse mo batsading go tsibogela go tlhabolola boleng jwa thuto le go kgatlhegela go itse gore ngwana o tshela jang kwa sekoleng le gone go nna kelotlhoko gore a ngwana o tlhwaafaletse tiro ya sekole. Mo go la gagwe, mookamela lekalana le le itebagantseng le tlhokomelo ya baithuti e bile e le morutabana go tswa kwa sekolong seo, Rre Mompati Tlhabiwe o supile fa ba sa kgotsofalele tirisano mmogo le tshwaragano ya batsadi, ka a re ba goga dinao mo dithutong tsa bana. Rre Tlhabiwe a re ga go thuse sepe gore e re maduo a tswa a sa kgotsofatse batsadi le barutabana ba bo ba supasupana ka monwana, mme a re go botlhokwa gore gangwe le gape ba kopane go tswa ka tharabololo ya mathata a a lebaneng sekole. Go ntse go le foo, o ne a kopa batsadi le baithuti go bala le go tlhaloganya bukana ya melawana le tsamaiso ya sekole. A re bukana e, e gakolola moithuti ka fa a tshwanetseng go itshwara ka teng mo sekoleng e bile gape e gakolola motsadi ka tsamaiso ya sekole. education 4 Sekole sa Tsabong se tlaa amogela mophato wa bone Mothusa mogokgo wa sekole se segolwane sa Tsabong unified school, Rre Kabelo Mosenke, a re baithuti ba mophato wa bone ba tlaa simolola go amogelwa mo sekoleng seo e le la ntlha go simolola kgwedi ya Mopitlo e robabobedi . Rre Mosenke o buile mafoko a mo phuthegong ya batsadi le barutabana ka Labobedi e maikaelelo a yone e neng e le go tla go tlhalosetsa batsadi ka seemo sa dikago tsa go okediwa ga sekole seo tse di tsweletseng le tse dingwe tse di amang baithuti ba sekole seo. Mothusa mogokgo o ne a tlhalosa fa morago ga tshekatsheko ya maduo a mophato wa boraro ba lephata la thuto e le bone fela ba ba nang le dithata tsa go tlhopha baithuti ba le makgolo a mabedi le masome a mane fela ba ba tlaa yang go dira mophato wa bone mo sekoleng seo fa ba bangwe ba tlaa amogelwa kwa sekoleng sa Matsha kwa Kang. Fa a tlhalosetsa batsadi ka seemo sa sekole seo, Rre Mosenke o ne a kaya fa rakonteraka a supile fa e tlaa re mophato wa bone o bula dikago di tshwana le matlo a borutelo le a maroko le tse dingwe di bo di setse di weditswe Le fa go ntse jalo mothusa mogokgo o ne a supa tlhobaelo ya gore mo gongwe baithuti ba mophato wa bone ba tlaa felela ba goroga metsi a ise a gokelwe mo dikagong tseo mme a kopa batsadi go emela seemo seo ka dinao. Fa a ama tsa thuto, mothusa mogokgo o ne a bua a menne phatla ka batsadi bangwe ba ba itlhokomolosang dithuto tsa bana ba bone ka go tlhoka go tshwaraganela dithuto tsa bana ba bone le barutabana fa e se go baya mokgweleo otlhe fela mo maruding a barutabana mo sekoleng seo. A re se se ngomolang pelo le go feta ke ka fa batsadi ba sa tseyeng dithuto tsa baithuti tsia gotlhelele ka le tiro ya bana ba bone ba e neelwang ke barutabana go e dira kwa malwapeng ba sa kgatlhegele le go itse gore a ba a e dira kana jang. Rre Moseneke o kaile fa seo gape se supiwa ke kwelo tlase ya maduo a baithui ba sekole seo go tswa kwa dikoleng tse dipotlana a le kwa godimo mme a wele tlase fa ba tsweletse mo sekoleng ka ntlha ya go tlhoka kemo nokeng ya batsadi ba baithuti mo sekoleng seo. Mogolwane wa barutabana mo sekoleng seo, Mme Keineetse Hengari fa a bua ka maitsholo a baithuti ba sekole seo o kaile fa e le a a sa eletsegeng gotlhelele e bile a tlhabisa ditlhong. Mme Hengari o ne a kopa batsadi go tshwaraganela bana bao go ba bopa go nna batsadi ba kamoso ka go nna le tlotlo, maitseo le botho jo bo eletsegang mo setshabeng a tla a supa fa gape botlhoka tsebe jwa bone bo na le seabe se sentsi mo kwelong tlase ya maduo mo sekoleng seo. O kaile fa ba nnile le dikgang tsa botlhokatsebe di le mmalwa mo sekoleng seo ngwaga o o fetileng di akaretsa go lwa ka didirisiwa tse di bogale jaaka dithipa, go utswela ba bangwe diaparo le madi le tse dingwe le gone go inaakanya le tsa marato e le baithuti. O gwetlhile batsadi go emela bana ba bone ka dinao le gone go thusana le barutabana a kaya fa 'setshwarwa ke ntsa pedi se se thata.' Mo phuthegong eo, e e neng e tshologetswe ke bontsi jwa batsadi go tswa mo metseng e e mabapi le motse wa Tsabong, batsadi le barutabana ba ne ba buisana ka dikgang tse di tshwanang le go fetolwa ga kapari ya sekole seo ya mophato wa ntlha le wa bone go obamelwa ga dinako le bophepa jwa baithuti le sone sekole ka kakaretso. Mongwe wa batsadi fa ba a kgwa barutabana dikgaba mabapi le dikgang tsa baithuti ba sekole seo, Mme Elizaberth Ntwaetsile o ne a gwetlha batsadi ba bangwe go kgalemela bana ba bone ka seo se ka thusa thata mo go ba betleleng bokamoso jo bo siameng. Bokhutlo education 4 Modulasetilo o akgola babereki ba OLDM Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana ya sekole se sebotlana sa Mmatshumo mo kgaolong-potlana ya Boteti, Rre Orapeletswe Gobopang, o akgoletse babereki ba boranyane ba meepo ya Orapa Letlhakane le Damtshaa (OLDM) mowa wa bopelotlhomogi. Rre Gobopang o ntshitse kakgolo e kwa moletlong wa kabo dimpho wa babereki ba boranyane ba khamphani ya Debswana ka Labotlhano. Dimpho tseo di akaretsa, baesekele, diromamowa di le nne, siren bell, ditlhako di le masome a matlhano, dibuka di le makgolo a marataro le didirisiwa tse dingwe tsa thuto. Rre Gobopang a re go dira bopelotlhomogi ga se selo se se motlhofo segolong jang batho ba ntsha madi mo dipateng tsa bone. A re batho fa ba dira jalo ba a bo ba na le lerato le kutlhwelobothoko mo go ba bangwe ba ba tlhokileng lesego. A re dimpho tse di ya go dira phetogo e tona mo dithutong tsa bana ga mmogo le go tlhofofatsa tiro ya barutabana ka jaana ba filwe ditlamelo tse ba ntseng ba na le letlhoko mo go tsone. Mogolwane wa lekalana la boranyane la OLDM, Rre Kennedy Mathekela o ne a tlhalosa fa maikaelolo a bone e le go thusa sekole se sebotlana sa Mmatshumo ka lenaneo la Adopt –A-School e le tsela nngwe ya go leka go bopa babusi ba lefatshe leno ba ka moso le go tokafatsa seemo sa thuto ya lefatshe leno. A re ba ne ba kopana le bogogi jwa sekole se sebotlana sa Mmatshumo ka maikaelelo a go tsaya karolo mo lenaneong la Adopt- A-School mme ba ne ba lemoga letlhoko la bone morago ga go sekaseka seemo sa sekole seo ba bona letlhoko la didirisiwa tsa baithuti le e bileng le ne tlhoka go tsibogelwa ka bofefo le sa ngwana yo o tsamayang sekgele 40 km go tsena kwa sekoleng. Rre Mathekela a re ba dira jalo ba tshegeditse lengwe la maitlamo a kompone ya bone la ‘Be Passionate and Show You Care’ gammogo le la tebelopele ya lefatshe leno ya 2016 a a supang gore ba kgathala ka ba bangwe. A re gape ba leka go rotloetsa bana go kgatlhegela boranyane gore ba botsogo e le boramaranyane ba kamoso fa ba setse ba tlogetse tiro. BOKHUTLO education 4 Mapodise a mo patlong Mapodise a Bobonong a mo patlong ya batho ba le babedi ba ba saleng ba nyeletse ngwaga ono o simologa. Mo potsolotsong bosheng le mogolwane wa sepodise sa Bobonong, Rre Paul Seoko o tlhalositse fa Rre Peter David yo o dingwaga tse di masome mararo le bosupa yo o tlholegang kwa Molalatau a sale a nyeletse ka Tlhakole. Rre Seoko o tlhalositse fa Rre David a sale a bonwa la bofelo a le mo tseleng a tswa morakeng wa ga gabo wa Semadeane a tsamaela ntlheng ya Mathathane. A re Rre David o ne a apere hempe ya kaki e e cheke e le mabogo makhutshwane, borokgwe jo boleele bo le bomosweu le botala jwa letlhare ga mmogo le ditlhako tsa diteki tse di mmala o o lephutshe. Rre Seoko o supile fa Rre David e le molwetse wa tlhaloganyo. E re dikgang di eme jalo Rre Seoko o tlhalositse fa gape ba le mo patlong ya mosetsana yo o dingwaga tse di lesome le botlhano yo o saleng a nyeletse ka Hirikgong. Rre Seoko o tlhalositse fa mosetsana yoo, yo o bidiwang Nametsegang Kgotso, yo o tlholegang mo kgotleng ya Sebaela mo Bobonong a kile a bonwa fa pele ga marekisetso a Choppies a na le borre bangwe ba go sa itseweng maina a bone. O tlhalositse fa Nametsegang e le moithuti kwa sekoleng se segolwane sa Mosetlha kwa Bobonong. O tlhalositse fa Nametsegang e le mosetsana yo o dithupa tsa maretlwa. Rre Seoko o kopile Setshaba go ikopanya le ba sepodise fa ba ka bona kana ba utlwa ka ga Nametsegang le Rre David kana ba leletse mapodise a Bobonong mo mogaleng wa 2619222. Gape ba ka leletsa mogale wa 999. crime_law_and_justice 1 Thari ya Setso e ipaakanyeditse dikgaisano Moeteledipele wa setlhopha sa Thari ya Setso kwa Tsabong a re monongwaga ba tla feta ka tse di tsididi ka ba ipaakanyeditse dikgaisano tsa malatsi a ga tautona tse di tla a tshwarwang kgwedi e e tlang. Rre Tshwarelo Mmoloki o tlhalositse fa ngwaga o o fetileng ba tsere maemo a ntlha mo karolong ya badiragatsi ba ba magorogo masha., a supa fa se, se itumedisitse banni ba kgaolo ya Kgalagadi fela thata ka ba re setlhopha se tlotlomaditse sa bo sa tsholetsa serodumo sa bone. O kaile fa ba na le kgwedi ba le mo kampeng go ikatisetsa dikgaisano tseo . O tsweletse a bolela fa ba simolotse setlhopha se morago ga go sa dira sentle mo dithutong tsa bone tsa sekole. A re ba simolotse ba le masome a mabedi le botlhano ba bina mmino wa phathisi o e leng one ba neng ba gaisanya ka one ngogola. O tsweletse a tlhalosa fa monongwaga ba tlhakantse mmino le motshameko go supa tota se pina e se tlhalosang. A re monongwaga pina ya bone ya re “ngwao ke bojanala”, jalo borre ba tla a bo ba apere dibaki tse di dirilweng ka matlalo fa bomme bone ba tla bo ba ikokegile ka dijale e bile ba tshwere ditlatlana go supa ngwao. O kaile fa maikaelelo a bone ele go somarela ngwao gore dikokomane di tle di e fitlhele A re ba remeletse mo go reng dikgosi di eme ka dinao di bitse mephato. O tsweletse a re, “ Re le badiragatsi e kare bojale le bogwera re di seegetse kwa thoko mme ra re dikgosi di eme ka dinao gore ngwao e bolokwe”. Rre Mmoloki o boletse fa mmino wa setso o ka rekisa lefatshe la Botswana kwa ntle. O tsweletse a re, le fa ba kile ba nna le kgwetlho ya letlhoko la madi pele ga ba tsenelela dikgaisano tsa ga tautona, ba setse ba golotse dipina di le pedi tse di dirang sentle fela thata, mme ba ikaeletse go golola DVD monongwaga. O tsweletse a re ka ba itse kwa ba batlang go ya teng, ga ba kgobege marapo le fa ntswa ba lebanwe ke kgwetlho ya batho ba ba gwebang ka mmino e se ka fa molaong. O supile fa dikgaisano tse di ba thusitse fela ka ba itshetsa ka madi a ba atswiwang ka one gonne ba bereke. A re o batla go bona setlhopha sa gagwe se godile se itsiwe le kwa mafatsheng a sele. Rre Mmoloki o kgothaditse banana go tsaya bodiragatsi ka tlhoafalo ka bo ka isa motho kwa mankalengkaleng. O supile fa boineelo, bopelotele, tirisanommogo, lorato le go tlotla nako ele tsone tse di ba kgontshang go dira tiro ya bone ka bokgabane.BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Borre ba boitseme - dipatlisiso Dipatlisiso tsa botsogo di supa fa borre ba le maoto a tshupa go itlhatlhobela mogare wa HIV kana go ya go itekodisa kwa go ba botsogo. Se se builwe ke molomaganya ditiro tsa bolwetse jwa HIV/AIDS wa Selebi Phikwe, Rre Shathiso Daki mo potsolotsong le BOPA bosheng morago ga go ipelela letsatsi la botsogo mo kgotleng ya Leseding. Rre Daki o ne a supa fa toropo ya Selebi Phikwe e tsweletse ka go tlhatlhoba le go gasa melaetsa ka thibelo le kalafi ya HIV. A re ka 2017, batho ba le 11 000 ba ne ba itlhatlhoba, mme monongwaga go simolola ka Hirikgong go ema ka Mopitlo go itlhatlhobile batho ba le 3 154 mme bontsi e le bomme. O ne a supa gore batho ba ba mo diritibatsing ba 11 267 mme mo go bone 6 956 ke bomme fa borre ba le 4 311, mo go supang kgatelopele ya bomme mo go tseeng boikarabelo ka botsogo jwa bone. Ka lenaneo la loaro lwa borre, o ne a supa gore borre ba le 589 ba ne ba dirwa learo ka 2017 mme maikaelelo ngwaga ono ke go dira ba feta sekete. Fa a bua ka malwetse a dikobo, Rre Daki a re go simolola ka Hirikgong go fitlha Mopitlo 2018 a tshwerwe mo bathong ba le 524, bontsi e le bomme. O ne a tlhalosa gore ba lebanwe ke kgwetlho ya batho ba ba emisang kgotsa ba ba tlodisang go tsaya diritibatsi, a re seo se baya matshelo a bone mo kotsing, a tlatsa ka go re seo ke go senyetsa setshaba. O ne a wetsa ka go akgola lenaneo la thibelo mogare go tswa kwa go mmangwana go ya kwa leseeng ka le bolokile matshelo a masea a le mantsi le fa go na le makgwere fale le fale jaaka bomme bangwe ba emisa kalafi fa ba amusa. Fa a lebagana le tsa go sa ikwadisetsa boimana le go sa itlhatlhoba ga bomme fa ba imile o ne a tlhalosa gore seo se bolaya maiteko a puso a go sireletsa masea. O ne a rotloetsa setshaba go tsaya boikarabelo ka matshelo a bone. Go tswa kwa ofising ya botsogo jwa setshaba, Mme Tebogo Masale o ne a rotloetsa setshaba go somarela tikologo go fema malwetse a a ka amang botsogo jwa bone. Mme Masale o ne a ba rotloetsa go ela tlhoko se ba se jang, bogolo jang mafura, letswai, nno-tagi le motsoko ga mmogo le dikakanyo tsa bone ka di ba baka makoa a tlhaloganyo. O ne a gakolola Batswana go nna ba bona ba botsogo fa ba sa ikutlwe sentle, go nwa metsi a mantsi le go itshidila mmele ka dinako tsotlhe, a tlatsa ka go re, setshaba se se itekanetseng ke setshaba se se itumetseng. Mokhanselara wa Leseding, Mme Phemelo Nthwane o rotloeditse banni ba Selebi Phikwe go dirisa ditlamelo tsa botsogo le go tshwaraganela ntwa kgatlhanong le HIV/AIDS, ka kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. BOKHUTLO education 4 Ba rotloediwa go tsaya thuto ka tlhwoafalo Mopalamente wa kgaolo ya Ngami, Rre Thato Kwerepe o gwetlhile banni ba Somelo mo kgaolong ya gagwe go rotloetsa thuto ya bana ba bone gore bana bao ba tsoge e le bangwe mo setshabeng ba bereka ditiro tse di rileng. Rre Kwerepe o buile seo ka Mosupologo fa a ne a buisa phuthego kwa Somelo a lekola batho ba kgaolo ya gagwe ya botlhophi. O ne a gakolola batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana ba bone. O ne a re go utlwisa botlhoko go bo bana ba sekole sa motse oo ba tlwaelesegile ka go tlogela sekole ba nna mo lwapeng ebile a re bana ba ka se tswe ka maduo a a itumedisang ntleng le thotloetso ya batsadi. Rre Kwerepe o ne a re thuto ke yone e e ka nyeletsang lehuma gotlhelele mo matshelong a bone. Mogokgo wa sekole sa Kheeoseo Mme Keabonye Maoto o ne a lekodisa mopalamente Kwerepe fa maduo a sekole seo a lekwalo la bosupa a ngwaga o o fetileng a wetse tlase ka selekanyo sa masome a mabedi mo lekgolong. Mme Maoto o ne a re o maswabi go bo bana ba sekole seo ba dira sentle mo dithutong tse di ko tlase mme maduo a wele tlase ba le mo lekwalong la bosupa. Le fa go ntse jalo o ne a re dikgwetlho dingwe ke letlhoko la motlakase mo motseng mo go dirang gore didirisiwa tse di tshwanang le tse di ntsifatsang dipampiri di se dirisiwe. O ne a re mafaratlhatlha a a dirisang motlakase wa letsatsi a a teng mo sekoleng a bokoa mme ba sale ba solofeditswe go fiwa mafaratlhatlha a a dirisang motlakase wa letsatsi ka 2014 a a ka kgonang go dira ditiro tse di farologanyeng. Rre Kwerepe o ne gape a kgothatsa barutabana bao gore ba itshokele diemo tsa kgaolo eo ka ba rutetswe go emelelana le dikgwetlho le diemo tse di farologanyeng. O ne a re tshwaragano ya bone e le barutabana ke yone e ka ba thusang go atlega mo go tokafatseng maduo a sekole seo. Kgosi Mokhutshwane Komee wa Somelo le ene o ne a gakolola batho ba motse wa gagwe go dirisa mananeo a puso sentle le go ithuta go ipelega le go ithusa eseng go baya mo dithusong tsa khansele ka dinako tsotlhe. Kgosi Komee o ne a rotloetsa gore bana ba tsee sekole ka tlhwaafalo, a re ba ba sa dirang sentle ba rotloetsege go baakanya maduo a bone a mophato wa boraro le botlhano gore ba kgone go ya ko bommadikolo le dithuto tse dingwe tse di ko godimo. BOKHUTLO education 4 Domkrag ga ipone tsapa Mopalamente wa Bobonong, Rre Shaw Kgathi a re phathi ya Botswana Democratic e ka seke e ipone tsapa go tswelela ka go tlhabolola matshelo a Batswana. Rre Kgathi, yo gape e leng tona wa itshireletso, molao le thokgamo, o buile jalo kwa phuthegong ya phatlalatsa ya go ipelela phenyo ya kgaolwana ya bokhanselara kwa Moletemane bosheng gore banni ba motse oo ga ba a dira phoso go tlhopha Rre Elijah Basinyi go nna mokhanselara. A re le fa go na le baganetsi, ga ba na mananeo ape a ba ka a dirisang go ngoka batlhophi. Rre Kgathi o kgadile phathi ya Botswana Congress a re e ne e dirisa tsietso ka go kwadisa batlhophi ba le masome a mane mo kgaolong ya Moletemane ntswa e se ba kgaolo eo, a supa fa kgang eo e ne ya rarabololwa ke lekgotla la ditsheko. Rre Kgathi a re ntlhophang wa bopalamente yo BCP e ntseng e mo roma makgetho a le mane kgotsa dingwaga tse di masome mabedi tse di fetileng ga a na boleng le mashetla a go etelela kgaolo ya Bobonong pele e bile batlhophi ba mo ikgatholose. O supile fa Domkrag e tlaa tswelela ka go tlhabolola Batswana ka e itse mathata a bone, a supa fa Moletemane a na le khamphani ya dikoko ya Bokomo Richmark mme tsela le kgokelo ya metsi e tlaa dirwa gore tiro ya yone e nne motlhofo. A re o tlaa tswelela ka go emela motse o gore ditirelo tse di neng di saletse kwa kgaolong ya Tswapong bokone fa motse o o boela kwa Bobirwa le tsone di fudusediwe koo gore ditlamelo di tsamae ka thelelo. Sebui se sengwe, Rre Lotty Manyepetsa ene a re Domkrag ga e na molekane mo mererong ya puso mo Africa ka bophara ka e kgonne go tokafatsa matshelo a Batswana e bile go rena kagiso. Rre Manyepetsa a re Botswana o na le moeteledipele yo o kgathalang ka matshelo a setshaba. A re Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama o tsamaya motse le motsana go lekola setshaba . politics 7 Batswana ba rotloediwa go hirisetsa puso Mogolwane mo Lephateng la Ditsha le Matlo, Rre Gaokgakala Rabalone, o rotloeditse Batswana go aga matlo a puso e ka a hirisetsang badirela-puso ba ba direlang kwa dikgaolong tsa bone ka jaana ba lebanwe ke dikgwetlho tsa go tlhaelelwa ke boroko. E rile Rre Rabalone a akgela mo diphuthegong tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Shoshong, Rre Phillip Makgalemele, a tlhalosa fa puso e tsere tshwetso ya go dumelana le Batswana go aga matlo a ka hirisetswang badirela-puso ba ba direlang kwa metseng ya magae, ele tsela nngwe ya go isa ditlamelo kwa bathong le go nyeletsa selelo sa letlhoko la boroko mo dikgaolong. A re le fa puso e tsere tshwetso ya go nna jalo, seo ga se reye gore puso e tla hirisa ntlo nngwe le nngwe ka jaana matlo a go nna jalo a tla tshwanelwa ke go kanokiwa ke badiri ba lephata la gagwe pele ga go ka nna le ditumelano tse di tseneletseng, gore e seka yare kgabagare batho ba ba nnang mo matlong ao ba iphitlhela ba le mo sebaka tsatsing. Rre Rabalone o boleletse batsena phuthego eo gore bao ba ba nang le matlo e bile ba ikaelela go a hirisetsa puso, ba ka ikgolaganya le badiri ba lephata la gagwe kana ba ikgolaganya le balaodi ba dikgaolo tsa bone. A re batho ba ba tla dumelanang le puso ka khiriso ya matlo ba tla tshwanelwa ke go dira ditumelano tsa ngwaga tse di lesome le botlhano. E ne e rile gole pele Rre Makgalememe a bolelela batlhophi ba kgaolo ya gagwe fa tautona le mmuso wa gagwe ba dumelane ka mogopolo wa go lwantsha lehuma la nta ya tlhogo le go lwantsha letlhoko la ditiro ka go simolodisa mananeo a tshwana Tirelo-setshaba, Nyeletso lehuma, Ipelegeng, ISPAAD le LIMID, ele tsela nngwe ya go tsosolosa mhama wa temo-thuo ka go ntsha dijo tse di lekaneng. A re ere ntswa tautona a tsweletse ka go dira mananeo a Batswana ba ka a dirisang go ikinola mo lehumeng jaaka ISPAAD, o tshwennngwa ke go bona Batswana ba goga dinao go dirisa lenaneo leo e bile balemi bangwe ba phuaganya masimo go ya go bereka mo lenaneong la Ipelegeng, fa barui bone ba palelwa ke go tlhokomela leruo la bone mo le felelang le senyetsa ba bangwe dijwalo mo masimo. Rre Makgalemele o tsweletse ka go bolelela banni ba Shoshong fa ba dirile ditumelano le lefatshe la India le la Aferika Borwa, tsa go tsosolosa mhama wa temo-thuo le go ruta batho ba kgaolo eo go fetlha motlakase wa marang a letsatsi, kwa metseng e tshwana le Ikongwe. O kgothaditse batho ba kgaolo eo go ikwadisa ka bontsi fa ikwadisetso ditlhopho tsa setshaba ya bobedi e simologa kgwedi ya Tlhakole ele masome a mabedi le motso go tsena kgwedi ya Mopitlo e tlhola malatsi ale mabedi monongwaga. BOKHUTLO politics 7 Tlhokomelang bana – PTA Modulaeitilo wa komiti ya batsadi le barutabana ya sekole se sebotlana sa Moremi o gwetlhile batsadi go tlhokomela bana. Rre Oarabile Pema o buile jaana kwa moletlong wa go alosa bana ba ba neng ba sugelwa go dira lokwalo lwa ntlha bosheng. Rre Pema o ne a supa fa go tlhokomela ngwana a sale mmotlana go ka mo thusa go ntsha maduo a mantle mo dithutong le go nna le bokamoso jo bontle. Rre Pema o ne a tlhalosa fa a lemogile gore batsadi bangwe ba itlhokomolositse boikarabelo jwa go tlhokomela bana. A re batsadi ke bone pinagare ya malwap,a ka jalo ba tshwanetse ba tlhomamisa gore malwapa a bone a tsamaisiwa sentle go akaretsa le yone kgolo le tlhokomelo ya bana. Ka jalo, o ne a kopa batsadi go tsaya kgang eo tsia, a re ke boikarabelo jwa bone go bona gore bana ba gola sentle le gone go rurifatsa gore ba dira sentle kwa sekoleng. O ne gape a kgothatsa batsadi ba bana ba ba neng ba aloga go tlhoafalela go ba tlamela ka dithuso tsotlhe tse ba di tlhokang gore ba akole tshwanelo ya bone. A re fela jaaka ba eletsa go gola le gone go tlhatlhosiwa maemo kwa ditirong, ba tshwanetse go dira seo le kwa malwapeng ba godise bana sentle gore kamoso ba ipelafatse ka bone. Rre Pema o ne a tlhalosa fa lelwapa e le seipone sa motsadi mongwe le mongwe, ka jalo a gwetlha batsadi go lemoga seo le gone go dira dilo sentle. Morutabana wa lekwalo lantlha, Mme Ikanyeng Mokgotetsi o ne a akgolela puso go tla ka lenaneo la go suga bana pele ga ba simolola sekole, a re seo se tlhofofaletsa barutabana tiro ka jaana bana ba tla ba sugegile le jone boboi, go lela go fedile mme ba kgone go tsaya karolo mo dithutong ka tshosologo. A re go a itumedisa ka jaana batsadi ka bontsi ba le ratile e bile ba kwadisa bana ka dipalo tse di nametsang. A re thulaganyo eo e thusa batsadi ba ba sa kgoneng go isa bana kwa dikoleng tse di duelelwang. O galaleditse barutaba ba lenaneo leo a re ba dira tiro e ntle mme a ba kopa go tswelela ba dira ka natla. BOKHUTLHO education 4 A ba ba maleba ba tsee boikarabelo Mopalamente wa Ramotswa, Rre Lefhoko Moagi a re o tshwenngwa ke go tlhoka boikarabelo mo go dirweng ga ditiro tsa ditlhabololo. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Ramotswa bosheng, Mopalamente Moagi a supa matshwenyego ka kgolo ya dikgang tsa ditiro tsa boleng jo bo kwa tlase, go ikgatholosa tumalano le mohiri mme tiro e dueletswe madimadi. Mopalamente gape a re o tshwenngwa ke ditsheko tse di amang go ajwa ga ditiro tsa ditlhabololo fa gare ga beng ba dikonteraka le khansele, ka jaana go ama thata maiteko a go direla merafe ditlhabololo. O bile a kopa gore boetelediepele bo lemoge maiteko a a dirwang ke morafe ka go thusa ka digopi tsa ditsela go tokafatsa seemo sa ditsela tse di betlilweng ke morafe go lomaganyang mafelo a temo le motse. E re ntswa Rre Moagi, yo e bileng e le tona wa meepo, kgotetso le di-tswa mmung, a lemoga botlhokwa jwa gore banana ba fefogelwe go thusiwa, o supile matshwenyego a go tlhoka go duela dikoloto tsa YDF, a tlhalosa fa se se kgoreletsa maiteko a puso go atolosa palo ya ba ba thusiwang. O supile fa go tlhoka go duela dikolo go ka nna borai, ka go ka gogela kwa go reng motho a gapelwe, mme e nne poela morago. Mo mafokong a kamogelo, Kgosi Mosadi Seboko Kgosi wa Balete o akgoletse morafe go lemoga botlhokwa jwa go tsena diphuthego, tse a tlhalositseng di ba fa sebaka sa go rerisanya ka go tlhabolola motse. “A ngwaga o re mo go one e nne wa diphetogo, go tokafatsa tse di saletseng morago mo lebakeng le le fetileng, mme re ipaakanye go ya pele re goga re le seopo sengwe le boeteledipele ka neelano,” ga gakolola Kgosi Mosadi. Mothusa mokwaledi wa komiti kgolo ya ditlhabololo tsa motse, Rre Ophaketse Malale, o ne a ngongorega ka thulaganyo ya kabo ya madi a ditlhabololo tsa dikgaolo. A re e dirwa ke makhanselara ntle le go rerisa morafe. O ne a kopa gore komiti kgolo e tshwaelwe madi a go tlhabolola motse ka tekatekanyo, e seng jaaka makhanselara ba gogela kobo kwa dikgaolong tsa bone. politics 7 Bojalwa ga bo robatse ba Majwanaadipitse Moithaopi wa lenaneo la fokotsa dino mo lephateng la botsogo kwa Majwanaadipse Rre Neo Molefi a re banana ba dirisa nnotagi ka selekanyo se se kwa godimo, selo se a reng ga se a siamela botsogo jwa bone. O buile jaana fa ba lephata la botsogo ba ne ba ile go dira patlo maikutlo ka tirso ya nnotagi kwa Majwanaadipitse bosheng. Rre Molefi a re fa batho ba le mo kgatelelong ya nnotagi ba dira dilo tse di duleng mo tseleng jaaka go tlhapatsa ba bangwe, go lwa ba tlhabana ka dithipa mo go felelang ba bangwe ba latlhegelwa ke matshelo. O ne a re bana le bagolo go tshwana fela mo motseng wa bone fa go tsena mo kgannyeng tsa nnotagi. A re batsadi ba bangwe ba felela ba sena boikarabelo jwa go tlhokomela ba malapa a bone ka ba tsaya nako e ntsi ba le kwa marekisetso a bojalwa. Mongwe wa ba ba neng ba le mo thuto-puisanyong eo Rre Mokganedi Raboloko a re bone ba itshetsa ka bojalwa, mathata ke gore bommasepoto le banwi ba bojalwa ga ba obamele dinako tsa go bula le go tswala marekisetso a bojalwa. O ne a gatelela kgang ya gore batho fa ba setse ba nole bojalwa ba tlhoka botho. Rre Raboloko a re ba tshwenngwa ke batho ba ba lalang ba letsa diletso bosigo jotlhe mo go sa siamelang bana ba sekole ka gore ga ba kgone go reetsa kwa sekoleng ka ba a bo ba lapile, mo go felelang go ama maduo a bone. Mooki wa balwala tlhaloganyo go tswa kwa sepateleng sa Sekgoma Memorial, Mme Melitah Kabelo o ne a ba botsa dipotso di tshwana le gore ba eletsa gore bojalwa jwa Setswana bo ka rekisediwa kae, a lekgetho la bojalwa le okediwe, le gore a bojalwa jwa Setswana bo tshwanetse go nna le teseletso ya go bo rekisa. Mo dikarabong tsa bone banni ba ne ba supa fa ba le kgatlhanong le gore bojalwa jwa Setswana bo tseelwe teseletso ka gore bo dirisediwa ditiro tse dintsi tsa Setswana jaaka diphekolo, le gone bo tshwanetse go rekisediwa mo malwapeng ka gore ke bojalwa jwa setso. Ba ne ba re ga ba dumalane le gore lekgetho la bojalwa le okediwe ka gore seo se ka ba kokonela mo botshelong mo ba tlaa felelang ba palelwa ke go tlhokomela ba malapa a bone ka gore madi a tlaa bo a ya kwa lekgethong la bojalwa. health 6 Banni ba kgotlana ya Kisa ba abela kgosana setilo E rile bosheng banni ba kgotlana ya Kagisano kwa Kisa ba abela kgosana ya bone Rre Kgosietsile Kelefhile setilo morago ga go tlhomiwa go nna moeteledipele wa kgotlana eo ka kgwedi ya Mopitlo monongwaga. Rangwanagwe kgosana Kelefhile, Rre Gaesekwe Moncho go tswa kwa Aferika Borwa o mo gakolotse go ikgapha mo nnotaging le mo ditsaleng ka gore di ka ntsha moeteledipele mo tseleng. A re ditsala di a raela e bile di ka mo paledisa go rarabolola dikgang tsa batho ba motse wa gagwe segolo jang tse ba amegang mo go tsone. O tsweletse ka go mo itsise fa kgosi e le kgosi ka morafe ka jalo a tshwanetse go tlotla morafe wa gagwe le go o tsaya ka tekatekanyo gore le bone ba mo fe tlotla eo. A re kgosi ke thotobolo ka o amogela dingongorego tse di farologaneng go tswa mo morafeng, ka jalo o tshwanetse go nna ka kitso ya gore tirisano mmogo, lerato le kutlwano di nna teng fa gare ga gagwe le morafe. E ne ya re fa a ntsha la gagwe, Rre Kelefhile a leboga thata se morafe wa gagwe o se mo diretseng ka a re se supa fa ba mo amogetse ka mabogo oo mabedi. O tsweletse a bolela fa go mo tiisa moko e bile go mo fa nonofo go bona morafe wa gagwe o mo eme nokeng ka lorato. O ba solofeditse gape fa a tsile go tlhabolola kgotlana ya gagwe.Kabo ya setilo e ne ya dirwa ke malomaagwe kgosana, Rre Ronald Baitsiwe yo o mo gakolotseng gore o tshwanetse go tsaya dikgakololo mo go bomalomaagwe, borangwaneagwe le mo go kgosi fa a na le mathata a go rarabolola kgang nngwe. O mo tlhaloseditse gore setilo sa kgosi se a tlotlwa e bile se a ilelwa jalo ga se a tshwanela go dirisiwa ke mongwe le mongwe. Bokhutlo society 9 Bomme ba rotloeditswe go ithamela dikgwebo Bomme ba kgaolo ya Mahalapye ba kgothaditswe go dirisa mananeo a puso a go adima madi go itshimololela dikgwebo, go tokafatsa matshelo a bone. E rile a bua bosheng, mothusa mookamedi wa mokgatlho wa Women in Business Association (WIBA) Mme Nametso Ntsosa-Carr a re mokgatlho wa bone o remeletse mo go tsholetseng bomme gore ba nne le seabe se se bonalang mo itsholelong ya lefatshe. Mme Ntsosa-Carr a re ba thusa bomme gore le bone ba nne le maemo a a botoka a gantsi a tlwaelesegileng ke go tshwarwa ke borre. A re ba thusa bomme ba ba nang le kgatlhego ya go dira kgwebo ka go ba thusa go batla madi mo makalaneng otlhe a a abang madi. A re morago ga moo ba ba rutuntsha ka go tsamaisa kgwebo le go ba batlela mebaraka e ba ka rekisang dithoto tsa bone ko go yone. A re mokgatho wa bone o tswa bogologolong o lemogiwa ke puso ka o rotloetsa go tsholetsa matshelo a bomme nngwe ya dilo tse puso e batlang go bona di atlegile . A re ba engwe nokeng ke makalana a tshwana le Centre of Development of Enterprise(CDE) ,Tokafala le SADC e le yone e kgathegelang go bona bomme ba borwa ja Afirika ba kgona go ikemela mo go direng matshelo. O ne a gwetlha bomme gore ba se tshabe go tsena mo dikgwebong tse ditona jaaka tsa meepo le bojanala a kaya fa di le bogadi bo gaufi. E rile fa a tlatsa, mookamedi wa Diponeng Hotel, Mme Gotweng Gabotale o ne a re o itumelela tshologelo e bomme ba gaabo ba tsileng ka yone go tla go ikutlwela. Mme Gabotale o ne a re go a supa gore ba na le maikaelelo mme ba tshwanetse go nna ba reetsa gore ba rutege e bile ba nne le kitso ya se se tlhokafalang. A re go simolola kgwebo go na le dikgwetlho mme kwa bofelong go tsisa boitumelo fa o setse o atlega. economy_business_and_finance 3 VDC ya Bokspits e kgobokanya madi Komiti ya ditlhabololo ya motse wa Bokspits mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, e sa tswa go rekisa dithoto tsa kago bosheng go kgobokanya madi. Mo puisanyong, modulasetilo wa komiti eo, Mme Catherine Bezuidenhout o tlhalositse fa ba ne ba lemoga fa ba na le seemo sa matlwana a boiteketso a baeng mme ba tswa ka mogopolo wa go aga ntlwana ya lehuti ka ba na le letlhoko la metsi mo kgaolong ya bone. O boletse gore fa metsi a seyo, baeng ba bone ba tlamega go dirisa matlwana a boitiketso a a kwa ntlung lohalahala, mme se se seke se ba bee sentle fa pele ga batho ba ba dirisang matlo ao. A re e ne ya re fa Phatwe a ya fifing, ba rulaganya ditlhogo go bona tharabolola ya seemo se. A re ba ne ba dumalana e le komiti go rekisa dithoto tsa komiti tsa kago tse di dirisitsweng di akaretsa disenke, dipolanka le tse dingwe gore ba kgone go bona madi a ba ka agang matlwana a boitiketso ka one. Mme Bezuidenhout a re moono mogolo e ne e le go aga matlwana a lehuti a mantsi ka lebaka la gore motse wa bone o na le letlhoko le legolo la metsi. O tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go simolola dikago mo bogautshwaneng, ka ba setse ba kgonne go kgobokanya madi. Mme Bezuidenhout o boletse fa maikaelelo a komiti ya VDC e le go tlhabolola motse ka go tswa ka megopolo, e seng go baya sengwe le sengwe fela mo maruding a puso. economy_business_and_finance 3 Banni ba Mogonye ba ikemela ka dinao Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Mogonye a re go botlhokwa gore Batswana ba tswe ka maano a go itshedisa go na le go leba puso gore e ba tlhamele mebereko. Mme Banka Gwai o buile jalo mo potsolotsong kwa motseng oo bosheng. A re banni ba motse oo ba sa tswa go ithaopa go aga ntlo ya mabeelo a dijo e e bileng e tlaa dirisiwa go apeela ka nako ya dipula kwa kgotleng ya motse oo. Mme Gwai a re ba bone go le maleba go ithaopa go aga ntlo eo ka ba lemogile gore kgotla ya bone e tlhaelelwa ke matlo mo e a reng fa go le mediro kwa kgotleng ba tlhoke fa go tshwarelwang dijo teng. A re ntlo eo, ba e aga ka matlapa a a neng a agile lesaka le le ileng la wa mo dingwageng tse di fetileng, Mme Gwai a re ba tlaa e rulela ka bojang jo bogologolo jo bo neng bo ruletse leobo la kgotla eo pele. Mme Gwai a re e tlaa re fa didirisiwa tseo di ka tlhaela, ba kope morafe go ba tswa thuso, a bo a kopa botlhe ba ba ka nnang le seabe go dira jalo gore tiro eo e kgone go wela. Fa a lekodisa ka ditiro tsa Ipelegeng, Mme Gwai a re ba mo tirong ya go epa ditlhare mo tseleng e e yang kwa ditsheng tse disha gore beng ba tsone ba kgone go di tlhabolola motlhofo. Mo go tse dingwe, Mme Gwai a re ba sa ntse ba emisitse tiro ya go baakanya lesaka le le oleng. A re ba emisitswe ke gore ga go na ditsompelo tse di mmalwa jaaka motlhaba mme gape teraka e e rwalang didirisiwa le yone e sa ntse e senyegile. Mme Gwai a re lesaka leo le botlhokwa thata ka le tlhatlhela dikgomo tsa matimela ga mmogo le tsa morui mongwe le mongwe yo o sa ntseng a sena lesaka. A re le tiro ya go aga lefuti la matlakala le yone e sale e eme bogologolo ka mabaka a gore ga go na didirisiwa. Mme tiego eo e busetsa motse wa bone kwa morago. A re go dira gore e ne ekete badiri ba Ipelegeng ga ba bereke mme ba emisitswe ke tlhaelo ya ditsompelo. BOKHUTLO society 9 Monna o sekela petelelo le titeo Go lebega fa molaetsa ka go lwantsha kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana o sa goroge sentle kapo bangwe ba o itlhokomolosa. Seemo se, se tshwarisitse mapodise le ba bogosi phage ka mangana kwa Serowe le metse e e mabapi ka jaana dipetelelo le dipolaano di ntse di tsweletse. Monna wa dingwaga tse di masome mararo le boraro wa Tshimoyapula kwa kgaolong ya legare o itshupile fa pele ga ga mmakaseterata kwa Serowe ka Labone ka melato e le mebedi ya go itseela dikobo ka dikgoka le titeo ee masisi mo go mme mongwe yo go kaiwang e ne e le mokapelo wa gagwe. Go bolelwa fa e rile kgwedi eno e tlhola malatsi a le mabedi, mosekisiwa Gabadumele Mmeke wa Tshimoyapula a goga goga mme yo, mme a felela a mo thubeditse. Mmelaelwa o ne a tshwarwa abo a lebisiwa molato mme mapodisi a mo tlogela ba emetse go mo isa kwa kgotlatshekelong mme erile a santse a emetse go isiwa kgotleng a boa gape a ya go tlhasela mme yo. Babotlhotlhomisi ba boletse fa mosekisiwa a ne a goga gape mme yo a mo isa kwa ga gagwe ka go batla gore ba robale botlhe mme foo a seka a mo thubetsa mme a mo ketikile mo go masisi ebile a mo gobaditse mo leitlhong. Mosekisiwa o ne a kopelwa gore a name a tshegeditswe mo kgolegelong go fitlhelela tsheko e tsena gape ka Mopitlo a le masome mabedi le borataro. Ba bosekisi ba kaile fa a ka seke a letele tsheko a le kwa ntle ka go lemogilwe fa a ne a tsweletse a kgokgontsha mme yoo le mororo a boleletswe gore a seka a mo atamela. Ba kaile gape fa a ka kgoreletsa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tse di tsweletseng. crime_law_and_justice 1 Batsadi ba rotloediwa go tsaya karolo mo baneng Kgosi George Thwane wa Artesia o rotloeditse batsadi ba motse wa gagwe go tsaya karolo mo thutong ya bana e le tsela nngwe ya go ba betlela isago e e molemo. E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Thwane a tlhalosa fa thuto ya bana e tshwanetse go tsewa ka tlhoafalo ka gore bana ke bone bokamoso jwa lefatshe. “Bokamoso jwa lefatshe la Botswana bo mo diatleng tsa bana, ke bone baeteledipele ba ka moso, ka jalo re le batsadi re tshwanetse go ikatumetsa bana ba rona le go ba rotloetsa,” ga bua Kgosi Thwane. O tlhalositse fa Artesia a le gaufi le masimo le meraka mme seo se baka gore batsadi ba seka ba itse ka dithuto tsa bana ba bone ka ba le kwa merakeng gantsi. A re go tlhoka go tsaya karolo mo thutong ya bana ga batsadi go imetsa barutabana tiro ka jaanong bana ba sa kgone go ithuta sentle kwa malapeng. Kgosi Thwane o ne a rotloetsa batsadi go ikgolaganya le barutabana ba bana ba bone ka go etela kwa dikolong go itse le go lekola tiro ya bana. “Fa o le motsadi o tshwanetse go itse ka fa ngwana wa gago a dirang ka teng kwa sekoleng mme se se ka kgonagala ka go ipha nako go kopana le barutabana kwa sekoleng,” ga tlhalosa Kgosi. O rotloeditse batsadi gore ba tshwaraganele bana le barutabana ka go tsisa pharologanyo e ntsi mot hutong ya bana le maduo a bone. “Tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng, ke rotloetsa batsadi go nna sekao mo baneng ba bone gore ba bone tse dintle mo go bone,” ga bua Kgosi Thwane. Kgosi Thwane o ne a rotloetsa bana gore le bone ba ithute thata kwa dikoleng gore ba ipetlele bokamoso jo bo lolameng. A re bana ba tshwanetse go ikgapha mo boitshwarong jo bo sa lolamang ba seka ba kgatlhwa ke dilo tse di ka dirang gore ba tswe mo tseleng. A re moremogolo go betlwa wa taola, wa motho o a ipetla, ka jalo a rotloetsa bana go nna le boitshwaro jo bo lolameng jo bo eletsegang mo setshabeng. Kgosi Thwane o ne a gwetlha makalana a puso le a a ikemetseng go leka go rotloetsa bana go tsaya thuto ka tlhoafalo ka e le tsone di ka ba thusang mo isagong. A re fa go ka nna le thuto-puisanyo le go tshwara ditshupo tsa thuto mo Artesia gongwe bana ba ka nna le kgatlhego ya go tsaya thuto ka tlhoafalo ka jaanong ba ka lemoga boleng jwa yone. “Fa batsadi ba ka tshwaraganela bana le barutabana maduo a mantle a ka bonala ka go tlaa nna le yo o tlhokometseng bana kwa sekoleng le mo lwapeng,” ga bua Kgosi Thwane. BOKHUTLO education 4 WUC e lwantsha tlhaelo ya metsi Khamphani ya metsi ya Water Utilities Corporation e itse ka seemo sa tlhaelo ya metsi kwa Kanye le mafelo a a bapileng le motse oo. Mogolwane wa khamphani eo kwa Kanye, Rre Michael Montsho, o tlhalositse jalo fa a rola pego ka seemo sa metsi kwa bokopanong jwa khansele ya kgaolo potlana ya Kanye Administrative Authority (KAA) bosheng. A re ka kgwedi ya Morule, seemo se ne sa bifela pele ka ntlha ya kgaogo ya motlakase. Se, se ne sa ama didiba tsa Rammonedi le Kgwakgwe tse di dirisang motlakase. Le fa go ntse jalo, Rre Montsho o tlhalositse fa ba ntse ba leka ka bojotlhe go baakanya seemo le go thusa ka ditanka tsa metsi. A re nngwe ya ditsela tsa go lwantsha seemo sa tlhaelo ya metsi ke go hira batho ba ba ikemetseng go tshela metsi mo mafelong aa kwa ntle ga Kanye le ntswa go tura. A re ba goketse didiba tse dingwe kwa Selokolela go tokafatsa seemo. Rre Montsho a re didiba tse pedi di bereka dioura di le lesome le bofera bobedi ka letsatsi. O tlhalositse gore mo go tsone dioura tseo, di le pedi di ntsha metsi mo selekanyong sa oura di roba bongwe fa sa boraro se tswalwa go ikhutsa. Sa boraro se bereka dioura di le lesome mme mo oureng se ntsha selekanyo sa 1 720 ya dilithara tsa metsi. A re metsi a, a nosa Kanye le Moshupa mme a tlhalosa gore fa a tsena mo Kanye a gorogela mo Sedibeng sa sejelo,a bo a ya ko mafelong a akaretsang Caltex, Matshebe le Mathubapula. Fa a lekodisa ka seemo sa Lotlhakane East, Rre Montsho o supile fa motse oo le one o amilwe ke letlhoko la metsi, selo se a reng se dirwa ke gore didiba tsa teng di a kgala. Go rarabolola seemo se, Rre Montsho a re ba tsile go tlhatswa dididba tse dikgologolo jaaka sa Lorolwane go tokafatsa seemo sa metsi. Rre Montsho a re le fa go ntse jalo ba lebanwe ke tlhaelo ya dikoloi tse di isang metsi kwa bathong. O tlhalositse gore ba solofetse go reka dikoloi tse nne mme go setse go tsile ele nngwe fela, ee tla thusang tse pedi tse di kwa Kanye le e nngwe fela kwa Moshupa. Makhanselara a ne a ntsha matshwenyego a bone ka go farologana. Mongwe wa bone ke wa kgaolo ya Gasita, Rre Simon Ramaphoi, yo a supileng gore bontlhabongwe jwa motse bo sa le bo tlhoka metsi go tswa ka ngwaga wa 2016. Fa a a kgwa mokhanselara wa kgaolo ya Lorolwane dikgaba, Mme Binkie Moalosi, yo a neng a lela ka letlhoko la metsi kwa sekolong se se botlana sa Lorolwane, Rre Montsho o tlhalositse fa Lorolwane e le mongwe wa metse e didiba tsa yone di tlhatswitsweng ka Morule. A re le fa go ntse jalo o tla e tsaya mofago go ya go bona gore a bothata ke gore metsi a a mo Sedibeng ga a lekane kana go na le bothata bongwe gape. Makhanselara mangwe a ne a ngogoregela gore batho ba ba rekang metsi ba tsaya kae teseletso ya teng, ba supa gore go na le batho ba ba tsamayang ba rekisa metsi mo motseng. Rre Montsho oa re ga gona teseletso ya go reka metsi, fela go na le pompo e fa pele ga koporase ya bone e go gang batho ba ba ikemetseng baba kgethileng go nosa setshaba. Rre Montsho a re ba letlelela le batho ba ba tshwereng ditiro tsa selegae jaaka manyalo le dintsho, mme ba dira jalo ka go duela. Fela o gakolotse makhanselara gore fa go na le motho ope fela yo ba mo itseng o rekisang metsi e se ka fa tshwanelong ba romele leina la gagwe kwa go bone. Le fa go ntse jalo khansele e ne ya dumalana gore go baakanya seemo se sa metsi ke gore batho bangwe ba ba tlhophilweng ba e go kopana le tona wa metsi ba kope di generatara tse di tla bong ka nako tsotlhe di le malalaalaotswe fa motlakase o kgaoga. Se ele moono o o duleng fa Rre Montsho a tlhalosa gore fa motlakase o boa sediba sone se tsaya nako go tsweledisa tiro ya sone ya go pompa metsi. Bokhutlo society 9 Ngwana wa mosetsana o tlhoka tlhokomelo e popota Modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi, Rre Meleko Thumpe o tlhaloseditse banni ba Kang fa ditsela tse di dirwang mo motseng wa bone tse di lopileg P217 million tse di dirwang ka lenaneo la go tsosolosa itsholelo di tsweletse sentle, le mororo go ne ga nna le madiadia. Rre Thumpe o buile jaana mo phuthegong ya kgotla bosheng. Modulasetilo o tlhalositse fa konteraka ya Lobkom e ne ya fiwa tiro ya go dira ditsela tse di ka tshwarang sekgala sa dikhilomithara tse di masome a mane le bone tse di fa gare ga motse. A re tiro eo, e simolotseng Seetebosigo ngwagatlola, tsholofelo e le gore e fele monongwaga ka kgwedi ya Seetebosigo. A re ka maswabi tiro ga e a wela mo nakong e e neng e beilwe, ka ntlha ya gore rakonteraka o ne a okelediwa ditirelo jaaka go tsenya dipone tsa mo mekgwatheng, go dira maemelo a mabotlana a ditaxi gammogo le go okelediwa go dira ditsela tse di neng di sa akarediwa fa tiro e simololwa. A re le fa go nnile le tiego, rakonteraka o solofeditse go wetsa tiro monongwaga Sedimonthole a tlhola lesome. “Nnang pelotelele ka jaana ditlhabololo di tsaya nako gore tiro e tle e nne ya boleng jo bo rileng. Mme ditiro tse di dirwang ka botswapelo di kgona go nna lebaka le le leele go na le gore go dirwe sogwasogwane hela mme go dirisiwa madi a mantsi mo ditseleng tseo.” O ne a tlatsa ka go gwetlha banni ba motse go dirisanya le borakonteraka, segolo bogolo fa go tla mo go direng ditshekatsheko tsa tshenyo mo malwapeng a bone tse di bakilweng ke go dirwa ga tsela. A re ditshekatsheko di tlaa dirwa pele ga tsela e wela. A re fa go kgonega batho ba duelelwe ditshenyo go santse go na le nako. Mo go tse dingwe o ne a iteela konteraka ya Lobkom legofi ka gore e dirile dipharologanyo mo morafeng wa Kang ka jaana ba kgonne go hirisa matlo a boroko mme seo sa thusa banni go oba letsogo. Rre Thumpe o ne a iteela rakonteraka legofi gore ntswa ba lebanwe ke namane e tona ya go dira ditsela, ba ne ba seka ba ipona tsapa ka go nna ba otlolola letsogo ba thusa mo ditirong tsa bopelotlhomogi, e le tsela nngwe ya go thusa setshaba se ba berekelang mo tikologong ya sone go thusa go tlhabolola matshelo a bone go nna a a itumedisang. Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Basadi Seipone o ne a tlhalosa fa ba amogela ditlhabololo tse di dirwang kwa motseng wa bone, a supa fa di tlaa thusa go ngoka ditirelo tse dingwe tse di tlaa fetolang selebego sa motse wa bone. Fa a afa tshedimoso ka seemo sa ditsela, moitseanape wa ditsela go tswa kwa khanseleng ya Kgalagadi, Rre Gabriel Mpofu, o ne a tlhalosa fa tiro e tsamaya fa go 51 per cent go na le seelo se ba neng ba se ipeetse sa 71 per cent, ka jalo tiro e saletse kwa morago ka dibeke di le lesome le bone. Ka jalo, Rre Mpofu o ne a gwetlha rakonteraka go ititaya ka thupana go bona gore ba kgarametsa tiro, go netefatsa gore ba dirisa nako ya kokeletso ya monongwaga sentle. Fa a afa mafoko a malebo, mokhanselara wa Kang Bokone, Rre Kemmonye Makatane o ne a lebogela tekodiso go tswa kwa go ba khansele, mme a gwetlha morafe go nna ba tsenenelela diphuthego tsa kgotla go tla go amogana megopolo le borakonteraka gammogo le ba lephata la ditsela gore ba itshekatsheka ka dikakgelo tseo go bona gore ba dira tiro ya boleng jo bo rileng. health 6 Kgosi o akgola kereke ya Holy Galilee Kereke ya Holy Galilee e akgoletswe go supa mowa wa kutlwelo botlhoko lefatshe ka bophara. Kgosi wa kgotla ya Kelele kwa Mmadinare, Kgosi Matshwenyego Mosweu, o buile jalo kwa bokopanong jwa maloko a kereke eo kwa Mmadinare ka Matlhatso. O ne a kgothatsa maloko go nna le tumelo le lerato ka seo se ka ba tiisa moko go tswelela ba lemoga ba ba tlhokang. O ne a supa fa tumelo e e senang ditiro e sena mosola ka e ka seka ya dira pharologanyo mo matshelong a batho ba bangwe. Kgosi Mosweu o ne a supa fa ditiro le tsamaiso ya dikereke tsa semoya di tsamaelana le ngwao ya Setswana ka jalo di tshwanetse go salwa morago ka e le tsone di bopaganyang setshaba. A re ditiro tse di maswe tse di tsweletseng tsa go dirisa bana botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo le dipolaano di supa fa dikereke le boeteledipele ba santse ba lebanwe ke tiro e ntsi ya go fetola motho. Kgosi Mosweu o ne a kopa maloko a Holy Galilee go ikgapha mo dikubetsanong le dikgotlhang tse di diragalang mo dikerekeng ka se se baka letlhoo le le diang bakeresete go dira tiro ya Modimo. O ne a ba kgothatsa go nna pelotelele le go batla ditsela tse di siameng tsa go rarabolola dikgang pele di tswela mo matlhong a setshaba ka se se dira gore batho ba lebe dikereke ka tsela e e sa siamang. E ntse e le kwa bokopanong joo, modulasetilo wa lekgotla la dikereke tsa semoya Moruti Rantsudu Rantsudu o ne a supa fa Holy Galilee e le leloko la lekgotla la dikereke mme e bile ditiro tsa yone di bonala lefatshe ka bophara. Moruti Rantsudu o ne a kgothatsa maloko a kereke go ithuta mo baeteledipele ba bone gore e re nako e ba tlaa bong ba seyo ba dire se se tlhokafalang go tshegetsa serodumo sa kereke. Go ne kwa bokopanong joo Holy Galilee e ne ya abela batlhoki dikobo le melora tse di lopileng P15 000. Moruti Boikaego Rampha yo e leng mokwaledi mogolo wa kereke, o ne a supa fa molao motheo wa dikereke o tsamaelana le tebelopele ya setshaba ya go aga setshaba se se kutlwelo botlhoko e bile se le lerato. Moruti Rampha o ne a supa fa ba itshegetse tema ya go re ngwaga le ngwaga ba abele batlhoki ka se se dira pharologano mo matshelong a bone. Maloko a kereke a ne a gakololwa fa letsatsi la ditlhopho le setse le beilwe mme ba rotloediwa go ya go tlhopha ka dipalo tse dintsi.BOKHUTLO religion_and_belief 8 Kgwebo e tlhoka kitso Kgwebo e tlhoka kitso e e tseneletseng gore e gole e bo e dira dipoelo tse di nametsang. Motshwarelela molaodi wa kgaolo ya Ngami, Rre Keabetswe Lesiela o buile jalo mo potsolotsong bosheng, a tlhalosa fa bontsi jwa banana ba ba ikopelang madi go tsamaisa dikgwebo ba sena kitso e e tletseng ka dikgwebo tse ba tsenang mo go tsone, ka jalo go tshwenya fela thata ka ke gone mo go dirang gore dikopo tsa banana di se ka tsa atlega gore ba fiwe madi go ka itshimololela dikgwebo. O kgothaditse banana go tsena mo dikgwebong tse ba nang le botsipa jo bo tseneletseng ka tsone mme a supa fa ba lebelela thata gape mmaraka wa dikgwebo tse banana ba tsenang mo go tsone, sengwe se a supileng se le botlhokwa ka se ka paledisa dikgwebo go atlega. Motshwarelela molaodi o supile fa maikaelelo a puso e le go thusa banana ka madi go tlhama dikgwebo tse di ka ba fang dipoelo le go tlhamela banana ba bangwe ditiro. Rre Lesiela o tlhalositse fa bontsi jwa banana ba tsene thata mo dikgwebong tsa temo-thuo, bojanala ga mmogo le tsa bodiragatsi mme a re ba setse ba thusitse banana ba le masome a le matlhano le boraro. O tlhalositse fa ofisi ya banana e buletswe monana mongwe le mongwe go tsisa kopo ya gagwe gore a thusiwe. economy_business_and_finance 3 Batswana ba rotloediwa go reka dithoto tsa mo gae Mopalamente wa Boteti botlhaba Rre Sethomo Lelatisitswe o kopile dikomiti gammogo le bogogi jwa metse go tshwaraganela ditlhabololo tsa metse Mopalamente o buile jalo fa a buisa dikomiti tseo kwa Khwee bosheng, a supa gore nako e ke ya go sekaseka mananeo a ditlhbololo NDP11 le DDP5 go bona gore ke a fe a a kgonagetseng le gore ba ka fetola fa kae ba lebile letlhoko. Rre Lelatisitswe a re go botlhokwa gore ba tshwaraganele tiro e ka e le bone ba itseng matlhoki a bone. O ba gwetlhile gore fa ba tlhophe mananeo ba dira ditshekatsheko tse di tseneletseng gore ba seka ba tlhogela letlhoko legolo la motse. O bile a rotloetsa komiti ya ditlhabololo tsa motse gore e dirise madi a yone go dira tse dingwe tse ditshesanyane, a tlhalosa gore tiro ya madi ao ke go dira ditlhabololo tsa motse. Rre Lelatisitswe a re fa ba dira tse tsotlhe tsa ditlhabololo ba rerise morafe pele. E rile a rolela mopalamente matshwenyego a bone, modulasitilo wa komiti kgolo ya motse (Village Extension Team) yo gape e leng mogokgo wa sekole se sebotlana sa Khwee Mme Maureen Morwe a supa fa selelo segolo sa bone e le tsela, letlhoko la dikoloi tsa puso gammogo le tsa sectshaba. Mme Morwe o boletse fa letlhoko le lengwe la bone e le motlakase o a reng o kgoreletsa tiro. A re ba dirisa jenereitara e e tshabelelwang ke go senyega le go felelwa ke lookwane. A re seemo se se maswe ka jaana bana ba nna mo fifing kwa matlong a borobalo le baapei ba tshwanelwa ke go apaya makuku. Mme Morwe o ne a tlhalosa fa ba itlhaelwa ke diofisi tsa mapodisi, mogala le badiri ka jaana mapodisi ba le babedi fela, a tlatsa ka go re ga ba na lepodisi la maemo a magolwane . A re kokelwana e tlhoka ntlwana ya pelegelo a tlatsa ka go re ga gona matlo a badirelapuso. A re bangwe ba dirisa matlo a sekole ntswa le one a sa lekane. Modulasitilo wa komiti ya tlhabololo tsa motse wa Khwee Rre Meshack Tseleng o ne a supa fa mananeo a Ipelegeng a tsweletse sentle, sediba se siame, kago ya ntlo ya LA2 e weditswe. Rre Tseleng o boletse fa mananeo a banana a madirelo a borotho le ba ba rokang a tsweletse sentle e bile ba ne ba filwe madinyana gore ba ithuse kwa malwapeng. A re mananeo a banana a YDF a tsweletse sentle, a tlhalosa gore le le lengwe ke lone le le phutlhameng. O ne a ngongorega ka go re batho ba ba kopileng mananeo a nyeletso lehuma ba sale ba letile. O boletse gape gore ba kolotwa P1 945 e le madi a dituelo tsa matlo a VDC a batho ba ba tsamaileng le a ba ba leng teng e leng P2 120. politics 7 Sankgopa o leboga Tautona Rre Obakeng Sankgopa wa Gamoswaana mo kgaolong ya Borwa o leboga Tautona Lt. Gen Dr Seretse Khama Ian Khama go bo a tsile ka mananeo a nyeletso lehuma ka a tlhama mebereko e bile a tiisa moko go inaakanya le tsa kgwebo. Rre Sankgopa wa dingwaga tse di masome mane le bosupa a re e rile ka 2015 ba lenaneo la nyeletso lehuma ba mo rekela didirisiwa tsa go betla ditilo tsa dikgole. A re didirisiwa tseo ke, shage, diaparo tsa go itshireletsa, sefetlha motlakase, boro le dipente. A re morago ga moo o ne a tia moko ka dilo tseo e ne e le tsone tse a neng a di tlhoka thata go ka dira ditilo. Rre Sankgopa a re o nnile dingwaga di le lesome le bobedi kwa kgolegelong kwa a duleng teng ka 2014, mme ke gone kwa a ithutileng go betla ditilo, mabolokelo a diaparo, disofa le tse dingwe. A re mo nakong ya gompieno o remeletse mo go direng ditilo tsa dikgole ka a lemogile gore di bogadi bo gaufi. Setilo ke P350. A re morago ga go tswa mo kgolegelong o ne a bona go le botoka go itshetsa ka go dira ditilo ka a ne a bona dingwaga di kgabagantse go ka batla tiro ka e bile a ne a kile a dira molato. O na le bareki ba ba farologanyeng le ba mafatshe a sele tota. Rre Sankgopa a re kgwebo e tsweletse sentle ka dipoelo tse a di bonang o tshetsa ba lelwapa la gagwe mme mo go salang a go bolokele isago. Le fa go ntse jalo, a re setshlo ke kgwetlho ka se a tura ka e bie a reka kgakala kwa Gaborone. “Ke nnile le kgothatso e tona kwa lwapeng le mo motseng, ka batho ba ne ba sa nkgetholole gore ke kile ka ya kgolegelong, mme seo se dirile gore ke seka ka inyatsa mo botshelong, mme se mphile kgothatso ya go ikamogela le nna gore ke boetse gape mo matlhong a setshaba,” ga bua Rre Sankgopa. Rre Sankgopa a re keletso ya gagwe ke go bona a na le madirelo a matona a a nang le fa go beelwang didirisiwa teng. A re o rotloetsa botlhe ba ba kileng ba ya kgolegelong go ikamogela le go dirisa dithuto tse ba di ithuleng go baya dijo mo tafoleng ka jaana mokoduwe go tsosiwa o o itekang. O ne gape a re fa o le motho o tshwanetse wa ikamogela pele gore setshaba se tle se go tlhomphe. A re ke sekao sa gore fa o tswa kgolegelong o na le sebaka sa go ipopa sesha le go fetola boitshwaro. Rre Sankgopa a re o rotloetsa banana go ikgapha mo ditirong tse di maswe tse di ka ba tsenyang mo melatong ga mmogo le go ya go disa poo, a re seo se ka ba senyetsa bokamoso. BOPA economy_business_and_finance 3 Seretse o lekodisa banni ka melao e mesha Mopalamente wa Lentsweletau-Mmopane Rre Vincent Seretse o lekodisitse banni ba Kopong le Mmopane ka melao e e neng ya fetisiwa ke palamente e e fetileng e maikaelelo a yone e leng go sireletsa Batswana le dithoto tsa bone. E rile a buisa phuthego ya kgotla mo metseng eo bosheng, Mopalamente Seretse a bua fa mo melaong eo go fetisitswe o o letlelelang puso go gapa khumo e e bonweng ka bogodu. A re mo nakong eno, batho ba kgona go reka matlo le meraka mme e re ba tswa kgolegelong, ba itshetse ka tsone dikhumo tseo tse ba di boneng ka bogodu. Molao o mongwe ke wa go tsamaisa makgotla a a ikemetseng a di Trust. Mopalamente Seretse o tlhalositse fa go dirilwe molao ka jaana go lebega batho ba ne ba kopela mekgatlho ya bone madi mme go sa elwe tlhoko gore a a dirisediwa se a se kopelwang. Molao o jaanong o raya gore dibuka tsa madi a di Trust di tlaa dupiwa. Go fetisitswe molao o mongwe wa dibanka, o o itsang batho go boloka madi a a bonweng ka borukutlhi. Gompieno fa motho a baya madi, o tshwanetse gore a tlhalose gore o a tsere kae le gone gore a ya go a dirisa eng. Rre Seretse o tlhalositse fa molao o mongwe e le wa go dira gore motho yo o sentseng mo Botswana a seka a siela gope. O tlhalositse fa lefatshe leno le na le tumalano le mafatshe a mangwe gore fa motho a sentse a bo a tlolela kwa lefatsheng le lengwe, a tshwarwe a bo a busediwa mono go tla go sekela molato wa gagwe. Molao o mongwe ke o o itebagantseng le go kaganela bogodu jwa batho. Mopalamente o tlhalositse fa batho ba utswa ba bangwe, segolobogolo bana ba ba isiwang kwa mafatsheng a mangwe go ya go dirisiwa ditiro tsa bokgoba kgotsa tsa tlhakanelo dikobo. O kopile banni ba metse eo go ikela tlhoko ba tlhokomele bana ba bone. Molao o mongwe o o neng wa fetisiwa ke o o itebagantseng le borukutlhi jwa go iphatlakanya. Rre Seretse o tlhalositse fa molao o sireletsa batho mo lefatsheng leno mo borukutlhing jo. O tlhalosa fa go dirilwe molao wa gore lefatshe le le lone le ikopanye le mafatshe a mangwe gore dibetsa tsa mmolao wa kgailo di nyeledisiwe mo lefatsheng lotlhe. Mopalamente o ne a fa sekai ka se se neng sa diragala ko toropong ya Hiroshima kwa Japane ka ntwa ya bobedi ya lefatshe. Toropo yotlhe e ne ya nyelediwa ke bomo mme ga nna le ditlamorago tse di tsereng dingwaga. O tlhalositse fa palamente e ne ya itebaganya le ditagi jaaka bomandrax le cocaine le nyaope mme a tlatsa ka gore lefatshe leno le tshwanetse la ela dilo tlhoko gore ditagi tsa mohuta o di seka tsa goroga mono. Rre Seretse o ne a tlhalosa fa go na le batho ba ba itshetsang ka go rekisa dilo tse, segolobogolo basadi ba ba emang fa dikoleng ba ipaya ba ba rekisang dimonamone. Ditagi tse di na le seabe mo dipolaanong tsa baratani ka jaana motho o a bo a dira a le mo sediding. Fa a itebaganya le ba kabo lefatshe, mopalamente o tlhalositse fa puso e tshwentswe ke maitshwaro a a dirwang ke maloko a batho ba kabo ditsha ba ba itirileng medingwana mo lefatsheng. O boletse fa batho ba kabo ditsha ba lebetse gore tiro ya bone ke go tlhokomela tsamaiso ya lefatshe mo boemong jwa morafe mme e bile ba romilwe gore dikeletso tsa morafe di diragale. Rre Seretse o tlhalositse fa Motswana mongwe le mongwe a tshwanetse go itshetsa ka setsha sa gagwe ka mo ene a bonang ka teng. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Billy o rotloetsa bopelotelele Mopalamente wa Francistown Botlhaba, Rre Buti Billy, a re lefatshe la Botswana le santse le tshegeditse tsamaiso e e nitameng ya molao. Rre Billy o buile mafoko ao morago ga tiro ya go ribolola sefikantswe sa ga Mme Bokani Socks, e e neng e rulagantswe ke mokgatlho wa baoki wa Botswana kwa Francistown. Moletlo o ne o tshwaretswe kwa Tutume ka Matlhatso. Mme Socks, yo e neng e le mooki kwa kokelong ya Nyangabgwe ka 2014, o ne a nyelela mme a bonwa morago ga lebaka mmele wa gagwe go lebega o tshubilwe go setse masalela fela. Rre Billy o ne a kopa batsadi ba ga Mme Socks go nna pelotelele le go baya mo Modimong gore modira molato kana badira molato oo ba otlhaiwe ka fa molaong. Gape o tlhalositse fa kgang e le e e bofitlha thata mme e batla ditlhotlhomiso tse di tseneletseng le go tshwarwa ka matsetseleko, ka jalo a kopa batsadi le setshaba ka kakaretso go fa batlhotlhomisi sebaka go dira tiro ya bone ka botlalo. Rre Billy a re molato ga o bole le fa go ka tsaya dingwaga. Rre Billy o akgoletse batho ba Tutume, boineelo le bopelotelele jo ba bo supileng mo tatlhegelong. Rre Billy o ile a tshephisa fa a tlaa sala kgang eo morago go leka go ba lekodisa gore e tsamaya fa kae. Modulasetilo wa mokgatlho wa baoki, Rre Tebogo Tshenyego, o ne a leboga kgaolwana ya mokgatlho oo kwa Francistown, a re ba mo moonong wa matshego a tebelopele ya setshaba ya 2016. Rre Tshenyego a re ba diragaditse lengwe la matshego a tebelopele ya 2016 la setshaba se se tsweletseng se se utlwanang, le la setshaba se se kutlwelo botlhoko se se tlhokomelang batho botlhe. A re tiro e ba e dirileng e tshwanetse go nna sekai mo babereking ba bangwe, a re ba tlaa nna ba tshwaragane le lelwapa leo go ya pele. Mokhanselara wa Tutume Bokone, Rre Ishmael Mokgethi, o ne a lebogela baoki bao tiro e ntle e ba e dirileng ya go aga sefikantswe sa mmereki ka bone moswi Socks. A re ke tiro e ntle thata e ba e dirileng, a bo a ba akgolela lerato le tshwaragano e ba e supileng mo lelwapeng kwa tshimologong ya tiragalo go fitlha gompieno. Rre Mokgethi a re ba na le mowa wa lerato le tirisano mmogo mme a re le fa dipelo di santse di le dikhibidu ba e tla ba gomotsega ka gore badiri ka ene ba santse ba na le bone ka metlha le metlha go leka go ba sidila maikutlo. society 9 Tlhaelo ya ditlamelo e a kgoreletsa Tlhaelo ya ditlamelo kwa dikoleng ke nngwe ya dikgwetho tse di amang maduo a baithuti. Se se tlhalosositswe ke mokhanselara yo o itlhophetsweng mo kgaolong ya Mahalapye bophirma, Rre Nametso Koma, fa a tshwaela mo pegong ya modulasetilo wa khansele ya legare beka ee fitileng kwa serowe. Mokhanselara Koma o tlhalositse fa thaelo ya di dirisiwa mo dikolong jaaka dibuka, dipensele le matlwana a borutelo le dingwe tse baithuti ba di tlhokang go tokafatsa maduo a bone ele kgwetho mo baithuting. O tsweletse ka go kopa go re bana ba seka ba busiwa ko dikolong ka mabaka a gore ga ba a duela sekolo,a re se se dira gore ngwana a fetwe ke dithuto. Mabapi le letlhoko la ditiro, Rre Koma a re seemo se patleletsa banana go di ra ditiro tsa borukutlhi di akeratsa tiriso ya ditagi magareng ga tse dingwe. Mo godimo ga moo,a re o tshwentswe thata ke go re fa banana ga batla ditiro ba batiwa go re ba bo ba na le sebaka se se rileng ba bareka mo go dimo ga dikitso tse di tseneletseng mo tirong. Ka jalo, a re seemo se se ba baya ka fa mosing ka bontsi jwa bone bo sena sebaka le kitso e ntsi mo ditirong. Mokhanselara yo o itlhophetsweng mo kgaolo ya Mahalapye botlhaba Mme Bathonyana Bakwena o ne a lebogela puso go bo e kgonne go isa ditirelo dingwe ko bathong ba kgaolo ya gagwe e ntswa go na le ditlamelo dingwe tse di saletseng ko morago jaaka letlhoko la boroko mo ba bereking ba puso. Mme Bakwena o ne a lebogela lenaneo la thibelo ya mogare go tsweng ko go mmangwana go yeng ko ngwaneng la Prevention of Mother-to-Child Transmission (PMTCT) ka a re le thusa thata mo kgaolong eo le fa bangwe ba sa ledirise sentle. Mme Bakwena a re o tshwentswe ke mokgwa wa go fitlisa baithuti ba lokwalo la bosupa go ya kwa sekolong se se golwane ntswa ba sa dira sentle. Are seemo se se ama maduo a bone mo mephatong e latelangle mme se se isa thuto ya lefatshe leno ko tlase. Mokhanselare wa Mogapinyana mo kgaolong ya Mmadinare Mme Mmaletsatsi Nthobatsang o ne a lebogela lenaneo la ipelegeng gore le dira sentle e ntswa banana ba bonalang thata mo go lona. A re se ga se moitumedise ka banana ba tshwanetse goya dikolong. education 4 A re somarele dintlenyane tsa ngwao Kgosi Kgari Sechele III o gakolotse Bangwato go tlhomamisa gore ditsamaiso tse di bopang ngwao di seka tsa senngwa ke ditsamaiso tse disha. Kgosi Kgari III o buile jaana kwa moketeng wa go ikgakolola ka ngwao ya ga Mmangwato, o o neng o tsamaisiwa ke makgatlho wa Malata Ngwao. “Re seka ra letlelela ngwao e tlhakatlhakana, re tshwanetse go tlhomamisa gore re tswelela ka go bopa ngwao, fa go nna le diphetogo, e be e le tse re lemogang gore di tlhabolola ngwao, ga di e senye,” a supa. O supile fa ngwao e raya mekgwa ya batho, maitsholo a bone, ditsamaiso tse ba tshelang ka tsone, gore ba tshele mmogo ka tsela e ba e eletsang, tsamaiso ya botsetsi, tsa manyalo, tsa leso, mmino, poko, le go opela, di re kaya gore re bomang re tshela jang, ngwao ya rona ke eng, “Ditsamaiso tse, fa re di soboka ke dilo tse di bopang ngwao, di re kaya gore re bomang, re tshela jang gwao ya rona ke eng,” a supa. O supile fa go tshela mmogo le go nyalana go thusa gore Batswana ba tshele mmogo, ba itse dipharologanyo tsa ba bangwe, a supa fa se sele molemo e bile se tshwanetse go rotloediwa, le go di godisiwa. Kgosi o gakolotse fa go na le dilo dingwe, mo malatsing a gompieno tse go tshelwang ka tsone, e bile di tlhabolola matshelo a batho, tse di akaretsang mesokela-tsebeng le dikapa-ditswantsho, a supa fa di siame, mme di le borai fa di sa dirisiwe sentle. “Fa re sa e le tlhoko dilo tse di tlaa senya ngwao ya rona. Didirisiwa tse di kgona go nna borai fa bana ba rona ba lebelela dingwao tsa mafatshe a mangwe mo go tsone, a bo di felela di ba kgatla, jalo ba felelela ba sa rate dithulaganyo dingwe tse di tlhamaletseng tsa Setswana,” a supa. O kopile batsadi gore ba simolole go ela tlhoko gore bana ba dirisa didirisiwa tsa maranyane jang gore ba seka ba thanya lo le tsebeng. “Fa re ela bana tlhoko, re sa ba katoge, re kgona go lemoga ka bonako, go fetola mekgwa e,” a tlhalosa. A re ka tiriso ya maranyane a, bana ba kgona go tsaya dikgang le batho ba ba sa ba itseng, dirukutlhi, kgotsa batho ba ba nang le mekgwa e e maswe, a supa fa e bile ba kgona go okwa ke ba bangwe mo ditumelong tse di sa siamang. “Dikgwetlho tse, re le batsadi, di batla gore re simolole go ela bana tlhoko, re kgaleme, ka di ka senya ngwao,” a supa. O tlhalositse fa Botswana e lemogile fa thupa ele sekai sengwe se se supang fa ngwao ya batho fa ba e itirela, e le susupo sa gore e tsamaelana le ditumelo tsa bone. O kgothaditse a bo a gakolola ba Mokgatlho wa Malata Ngwao go tlhomamisa gore ba tswelela ba tsaya malebela mo go ba bangwe ba ba simolotseng tiro ya go nna jaana pele ga bone. “Ke le eleletsa gore le gole, Modimo a le segofatse, le atlege mo maikaelelong a lona,” a supa. Fa a amogela baeng, mothusa kgosi, Kgosi Serogola Seretse, o ne a leboga mokgatlho wa Malata Ngwao gore abo ba ithulagantse, ba batla go itse, le go tsosa ngwao. “Go tlotlana le boitsholo ke mekgwa mengwe e e dibelang ngwao ya rona. Go monate go tlotlana, jalo ke rata go le kgothatsa gore le tswelele, le tshegetse ngwao,” a supa. Kgosi Seretse o supile fa mokgatlho wa Matsosa Ngwao, e le sekao se sentle, a supa fa a ipela ka bone, ka ntlha ya gore ba nna ba le teng mo medirong mengwe le mengwe, e dirwang kwa kgotleng. Bokhutlo arts_culture_entertainment_and_media 0 BOCODOL e botlhokwa E re le ntswa go santse go lebega bontsi jwa batho bogolo jang ba metse ya magae ba sa tsibogele sekole sa BOCODOL, banana bangwe ba Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ga ba kgale mathe go bua ka botlhokwa jwa sekole seo ka jaana se fetotse matshelo a bone. Mongwe wa dialogane tsa sekole seo, Mme Neo Mokweni o supile fa e rile ka 2012, a inaakanya le lenaneo la go kwala dithuto tsa maranyane tse a neng a sa di dira sentle mo mophatong wa botlhano, mme a tla a dirile sentle fela thata. O bolela fa e rile morago a ikopela phatlha kwa Tlokweng College of Education mme a atlega go ithutela dithuto tsa borutabana tse a tsweletseng ka tsone mo nakong eno. A re o dumela fa ditoro tsa gagwe tsa go tshela botshelo jo a neng a bo eleditse di tla atlega morago ga go fetsa dithuto tsa gagwe. O tsweletse a re banana ba na le go akanya gore ditoro tsa bone di phirimile tsa go ipona ba ile dikoleng tsa ithutelo ditiro morago ga go sa direng sentle mo mophatong wa botlhano le wa boraro, mme o tlhalosa gore seo ga se boammaaruri ka jaana go tlhamilwe mananeo a tshwana le la BOCODOL go tokafatsa dithuto tsa bone. Mme Mokweni o gakolotse banana ba ba sa dirang sentle mo dithutong tsa bone go ikgolaganya le ba BOCODOL go ipetlela bokamoso ka gonne thuto e fa motho seriti e bile e mo solegela molemo ka boene le setshaba ka kakaretso. O boletse fa lenaneo la go ithuta ka tlhaeletsano le le molemo fela thata ka jaana motho a kgona go ya dithutong morago ga tiro, jalo a gakolola banana ba ba mo lenaneong la tirelo setshaba go ikgolaganya le sekole sa BOCODOL gore ba bone mafulo a matalana. Monana yo mongwe, yo le ene a inaakantseng le lenaneo la go baakanya maduo a gagwe, Mme Kgalalelo Selagaboy o supile fa le mo sologetse molemo ka e tla re mo ngwageng ono a kwale ditlhatlhobo go baakanya setlankana sa gagwe. A re lenaneo le, le tshwanetse go tsewa tsia ka jaana le ka fetola botshelo jwa motho. O tlhalosa fa kwa motseng wa Takatokwane, baithuti ba ba mo lenaneong le ba ipopile ditlhotshwana go rutuntshana le gone go amogana kitso ka jalo ba dira sentle fela thata. Le fa go ntse jalo, o supile fa go na le dikgwetlho dingwe tse di ba lebaneng di tshwana le go fiwa sebaka se se khutshwane go ikwadisetsa ditlhatlhobo gammogo le tlhaelo ya dibuka. O kopa ba ba maleba go tsibogela seemo seo gore ba kgone go ipelafatsa sekole sa BOCODOL. Bokhutlo education 4 Nata-Gweta o tshabelelwa ke dibetso tsa tlholego Puso e boletse fa e ikaelela go akofela go rarabolola mathata a kgaolwana ya Nata/Gweta ka e tshabelelwa ke dibetso tsa tlholego. Se se builwe ke tona wa lephata la merero ya ofisi ya ga Tautona, tsamaiso-puso le bodirelapuso, Rre Nonofo Molefhi yo o tlhalositseng fa go dirilwe tshutiso kwa palamenteng e e sa tswang go wela morago ga gore mopalamente wa kgaolo, Rre Polson Majaga a bee palamente mabaka pele. Tona, yo o neng a patilwe ke ba ofisi ya dibetso tsa tlholego go lekola mafelo a a amegileng kwa Gweta bosheng, a re maikaelelo a loeto lwa gagwe ke go bona se se diragatseng le gore tsela pedi ba tsaya efe. Morago ga moo Rre Molefhi a re ba tlaa bopa setlhopha sa baitseanape se se tlaa bong se akaretsa ba tsa kago, bakanoki ba lefatshe le dingaka go dira ditshekatsheko. A re maduo a dipatlisiso ke one a tlaa dirisiwang go tla ka ditharabololo tsa nakwana le tsa sennelaruri go rarabolola mathata a dibetso tsa tlholego kwa Nata/Gweta. A re bana le seabe ba ba maleba ba tlaa akarediwa go tirong e ya go dira ditshekatsheko go tla ka tharabololo e e tlaa thusang baagi ba mafelo ao. Rre Molefhi o akgoletse banni go bo ba nnile le mowa wa tomagano le go thusana ka nako e ba neng ba raletse diemo tse di thata. Se, a re ke mowa o montle o o supang fa Batswana ba tlhaloganya fa puso e ka se ke e kgone tsotlhe ntle ga gore Motswana mongwe le mongwe a ititee ka thupana go tsenya letsogo. Fa a rolela tona pego, moeteledipele wa komiti ya dibetso tsa tlholego , Rre Kabelo Tshekiso o tlhalositse fa ngogola metsi a ne a itshekile ka fa letlhakoreng la motse, mme monongwaga metsi a pula a ne a dikaganyeditse motse, ka jalo go dira tiro ya go tlamela ba ba amegileng thata. Rre Tshekiso a re malwapa a le masome mabedi le bone a ne a fudusediwa kwa lefelong le le babalesegileng la sekole sa ithutelo tiro ya diatla kwa ba neng ba fepiwa ka tsa botlhokwa go fitlhelela seemo se bepa. O tsweletse a re matlo a le lesome le bosupa mo go a a masome a le marataro le bosupa a bodiredi jwa sepatela se sebotlana sa Gweta a ne a amilwe ke metsi mme ba tshwanelwa ke go fudusetsa badiri ba kwa dikamoreng dingwe tsa sepateleng tse di neng di se mo tirisong. Mothusa mokwaledi wa kgaolo potlana ya Tutume e bile e le leloko la komiti ya kgaolo ya dibetso tsa tlholego, Rre Uyapo Mafunye o tlhalositse fa mo bathong ba le sekete makgolo a mabedi masome a robabobedi le bosupa ba ba neng ba amegile, ba le makgolo a matlhano le masome mabedi e ne e le bana ba ba dingwaga tse di fa gare ga botlhano le lesome le botlhano, ba le masome a roba bobedi le bosupa e le bagodi ba ba dingwaga tse di masome marataro go ya kwa godimo. A re ba ikopantse le ba lephata la kabo ditsha gore batho bangwe ba fudusediwe kwa mafelong a a kwa godimo kwa metsi a sa eleleleng teng. Tona Molefhi o ne a patilwe ke mothusi wa gagwe, Rre Machana Shamukuni le Rre Polson Majaga. BOKHUTLO politics 7 Seabe sa batsadi se a reketla Batsadi ba bana ba kgaolo ya Kgalagadi Borwa ba kopilwe go ema ka dinao go tshwaraganela thuto ya bana ba bone le barutabana ka seo se ka thusa thata mo go tokafatseng maduo a dikole tsa kgaolo eo. Kopo e, e dirilwe ke mogwebi mogolo wa Tsabong yo e neng ele sebui sa tlotla kwa letsatsing la barutabana la kgaolwana ya Tsabong ka Labotlhano o o fetileng. Rre Tshipietsile Mothelesi o kgadile batsadi ba ba boitseme mo go tshwaraganeleng thuto ya bana le barutabana, a supa fa go dira jalo e le go tlhoka boikarabelo ka ba sa kgathale ka bokamoso jwa bana. O kaile fa go tlhoka go tsaya tsia dithuto tsa bana go supegetse fa go na le seabe se se ntsi mo kwelong tlase ya maduo mo dikoleng tse di mo kgaolong eo. Le fa go ntse jalo, Rre Mothelesi yo e kileng ya nna morutabana o akgotse barutabana ba ba itshoketseng go berekela mo kgaolong ya Kgalagadi ntswa e le sekaka e bile e le kgakala thata le magae a bone. A kaile fa ba dira jalo ka ntlha ya go supa lorato mo tirong ya bone le go tlotlomatsa thuto mo lefatsheng leno. O supile fa barutabana ba le botlhokwa thata mo botshelong ka mongwe le mongwe a feta ka bone. O tlhalositse fa tiro ya barutabana bogologolo e ne e se motlhofo ka e ne e lebanwe ke dikgwetlho di akaretsa tlhaelo ya matlo a borutelo, a boroko, didirisiwa le motlakase ka go ne go rutelwa ka fa tlase ga ditlhare le gone go ne go kgona go tlhakanela ntlwana e le nngwe ya boroko. O supile fa mo nakong ya gompieno puso e tseela seabe sa barutabana kwa godimo ka e dirile diphetogo tse dintsi ka go tlhabolola le go godisa lephata la thuto. O akgoletse barutabana seabe sa bone mo go tsa metshameko ka e le ka ntlha ya bone go bo banana ba lefatshe leno ba dirile go tlala ka diatla mo metshamekong ya Aferika e e neng e tshegeditswe ke lefatshe leno bosheng. O rotloeditse barutabana go dira ka natla, boineelo, lorato le bopelotelele ka nako tsotlhe ka seo se ka thusa thata mo go godiseng bana ba ba nang le boleng ba ba ka kgonang go ikemela le go itshetsa mo isagong. O ne a abela barutabana P1 000 go dirisiwa mo moletlong oo. Fa a ntsha lefoko la kgothatso Mme Neo Badirwang morutabana wa sekole se se botlana sa Tsabong o lebogetse puso maiteko a e a dirileng go bo mo nakong ya gompieno seemo sa thuto se le botoka fela thata fa go tshwantshanngwa le bogologolo. Mme Badirwang o kopile barutabana ka ene go itsetsepela thata le go rata tiro ya bone ka go nna sekao le go itlotla ka nako tsotlhe. O gwetlhile barutabana go dira tiro ya bone ka manontlhotlho ka e le bone lesedi la lefatshe le gone go ipelafatsa ka e le bone ba belegeng setshaba. Fa a bala molaetsa wa lekgotla la BOSETU boemong jwa monnasetilo wa lekgotla leo, morutabana go tswa kwa sekoleng se segolwane sa Tsabong, Rre Herbet Nkabiti o kgadile thata botlhoka tsebe jo bo itshupang ka maitseo a a sa kgatliseng le go tlhagoga ga ditumelo tse di sa tlwaelesegang, a ba a kopa dikereke go lwantsha thata seemo seo. Bokhutlo education 4 Morafe o lela ka tiego ya ditsha Morafe wa kgaolo ya Nkange o ngongorega ka tiego ya go aba ditsha tsa bonno ke ba lekgotlana la kabo ditsha la Tutume. Ba ikuetse mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Nkange, Rre Edwin Batshu kwa Mabuwe le Senete bosheng. Monni wa Senete, Rre Tabona Saulo a re go setse go ka tshwara dingwaga tse thataro ba lekgotla leo ba sa abe ditsha, a kaya fa se se sa ba jese diwelang ka bana ba tsofalela mo malwapeng a batsadi ba bone mo e bile ba akanya go ipaya ditsha. Rre Saulo o ne a supa gape fa ba sa robadiwe ke ditlou tse di uputsang masimo a bone mme go sena tharabolo a mathata ao. Banni ba ne gape ba lela ka metsi a a letswai, ba bolela fa ba sale ba solofeditswe metsi go tswa didibeng tsa Ntimbale mme nako kgolo ke eno. Mopalamente Batshu o ne a bolela fa kgaolo e tlaa nna le kago ya diofisi tsa kgotla kwa Changate ka lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP. O ne a supa matshwenyego ka tiego ya kago ya ofisi ya lekgotla la ditlhopho kwa Tutume e tiro ya yone e ka bong e weditswe ngogola ka Phalane mme e saletse kwa morago. Fa a ba lekodisa ka tsa palamente e e fetileng, o ne a bolela fa morago ga paakanyo ya molao wa tiriso bana botlhatswa, dingwaga di okeditswe go tswa kwa go tse di lesome le borataro go nna tse di lesome le borobabobedi. Rre Batshu o ne a bolela fa a tsamaya a tlhalosetsa batho ba kgaolo ya gagwe ka melao eo gore ba kgone go e tlhaloganya gore ba ba tlaa e tlolang ba bo ba na le kitso ya yone fa ba ka otlhaiwa. O ne a kopa banni go tsaya karolo mo ikwadisong ditlhopho e e tlang ka Lwetsi, ka jaana go sena ikwadiso ya tlaleletso. Fa a araba mangwe a matshwenyego a banni, Rre Batshu o ne a bolela fa kgang ya lekgotla la kabo ditsha e tshwenya thata, mme a solofetsa fa a tlaa kopana le ba lekgotla leo la Ngwato mabapi le tiego. Mo go ya go siela kgaolo metsi go tswa didibeng tsa Ntimbale, o ne a bolela fa dithulaganyo di tsweletse, mme a re fa go santse go emetswe tiro ya kwa Ntimbale ba lekalana la metsi ba tlaa tswelela ka tiro ya go thiba diphaephe tse di dutlang le go siela batho metsi. Rre Batshu o tsamaya le kgaolo ya gagwe go lekodisa banni ka tsa palamente e e fetileng le go tsaya megopolo mo bathong go e isa kwa palamente e e tlang. society 9 Motho o thata ka se gaabo Batswana bangwe ba kgaletswe go kopa dingwao tsa merafe e sele mme ba nyatsa ya bone mo go felelang e nyelela jaaka go direga gompieno. Go buile jalo kgosi ya Moshupa, Kgosi Oscar Mosielele, kwa moletlong wa go supa ngwao kwa sekoleng se se botlana sa Bakoko kwa Moshupa bosheng.O boletse fa ngwao e nyelela ka monokela mme e metswa ke dingwao tse dingwe bogolo jang tsa batho basweu. Kgosi Mosielele o boletse fa ba nyatsa teme ya ga bone ya Setswana mo ba felelang ba kopanya puo ya Setswana le ya sekgoa fa ba bua, mo Motswana a buang Setswana le sekgoa nako e le nngwe. O ba kgotlhaditse go tlhopha tsedi siameng mo ngwaong tse dingwe tsa merafe e mengwe.A re mokgwa wa go apara le go tsamaya e hetogile mo batswaneng, o boletse fa dijo tsa Setswana le tsone di tlogetswe go jewa tsa merafe e sele tsedi senang dikotla ka gore ke tsa maitirelo. A re dijo tsa Setswana tsedi lengwang ko masimo di na le dikotla fela tse dintsi.Kgosi o boletse fa bogologolo Batswana ba ne ba na le mowa wa boipelego le go thusa ba ba dikobodikhutshwane. A re go ne go na le letsema ko batho ba kgobokanelang ko go yo mongwe ba mo thusa mme ba sa duelwe ka sepe go apeiwa dijo le boalwa fela. A re go ne go nale lenaneo la mafisa le morui mongwe a neelang motho mongwe yo senang dikgomo dikgomo dingwe tsa gagwe gore a di dise mme morago a mo tshwaele kgomo, motho yoo o ne a di dirisa go itemela, go nwa masi le go itirela moraka, a re dilo tseo jaanong di nyeletse go beilwe sengwe le sengwe mo pusong, mo gotweng athama ke go jese. O boletse fa mokgwa wa go dumedisa o nyeletse le one mme a kopa batsadi go ruta bana ka bonnye gore ba seka ba tlhaelwa ke ngwao. O boletse fa meila le yone e ne e thusa go bopa setshaba le bana. Kgosi a re ditlhabololo le tlhabologo di latlhile boleng ja ngwao mo Batswana ba iphetlhelang ba le fa gare ga dinaka tsa nare ba sa e ikitsi. O rotloeditse Batswana go kwala ngwao ya bone gore etle e bolokwe ebo e somarelwe.A re puo ya sekgoa e hupeditse puo ya Setswana. Sekole sa Bakoko ke sengwe sa dikole tsedi ratang go supa ngwao ebile ba supa dijo, metshameko, maboko, dipina le mekgwa ya Setswana. BOPA arts_culture_entertainment_and_media 0 Kgokgontsho ya bomme le basetsana e ile magoletsa Modulasetilo wa lekgotla la borre kwa Serowe, Assistant Superintendent Phillip Mokoto, o kgothaditse maloko a mokgatlho oo go tsenya thuto e e tsepameng mo go borre go sireletsa malwapa e seng go tswa bakgokgontshi. Rre Mokoto o buile mo potsolosong le Rre Mokoto o boletse fa dithubetso tsa bana ba dingwaga tse di kwa tlase ke borraabone, bomalome, masika le borre bangwe di ile kwa godimo. A re borre ba ba nang le madi ba dirisa bokete jwa madi go tsaya dikobo. O boletse fa mo go ngomolang pelo e le go re go dira ba go tweng ke bone baeteledipele ba morafe ba go ka bong go sielwa kwa go bone. A re fa e le mo malwapeng mangwe borraabo ba nna ba hupile tedu fela, fa bangwe ba tshwenya basadi ka go ba batla dikobo kgapetsakgapetsa, fa gongwe fa pele ga bana. Rre Mokoto o ne a bua ka pelo e e rothang madi ka maitsholo a borre, a re ntswa ba ne ba solofetse gore kgokgontsho e tlaa fokotsega ka marekisetso a majalwa a tswetswe, ga go a nna jalo. A re borre gape ba rotloetsa thekiso ya majalwa a a itirelwang mo malwapeng ka e le bone ba rekang thata majalwa ao. O kopile mokgatlho go nna le bukana mo maranyaneng (Facebook, Whatsup) go nna ba buisana ka fa ba ka gakololang le go rutana e le borre go nna le boikarabelo le go hemela malwapa a bone le bana ba bone. A re borre malatsi ano ba tswa pelo thata fa ba bona mosadi fela ba eletsa go robala le ene. A re ba hetole megopolo eo ya bone ya sephologolo.A re mosadi wa monna yo mongwe ga a elediwe. health 6 Maitseo namane ya moroba Baithuti ba sekole se segolwane sa Molefi ba ba fetsang lokwalo lwa botlhano ba rotloeditswe go itshwara sentle ka jaanong setshaba se ba tsaya jaaka banna le basadi. E rile Kgosi Segale Linchwe a buisa baithuti bao ka Laboraro a ba kopa go nna le maitsholo a a itumedisang, bogolo jang ka ba fetsa sekole mme ba ya kwa dikoleng tse dikgolwane kwa Gaborone le mafelo a mangwe. A re go le gantsi bana ba sekole ba na le go dira dilo tse di segang tsebe fa dikole di tswalwa di tshwana le go senya dikago tsa sekole le go betsa ba bangwe kana go utswa. Kgosi Segale o ne a ba kopa gape gore ba nne le lorato le boikobo le gone go tlotla batsadi ka gore e seng jalo ba tlaa thanya lo le tsebeng. A re ba tshwanetse ba itse gore jaanong ba tsena mo karolong e nngwe ya botshelo mme go solofelwa dilo di le dintsi mo go bone le maitsholo a bone a tlaa supa gore ke batho ba ba ntseng jang. O ne a ba kopa gore jaaka ba fetsa mophatlo wa botlhano ba seka ba sasankega mo mebileng ba sa itse gore ba batla eng ka moo go kgona go ba tsenya mo melekong. Kgosi Segale o ne gape a ba kopa go emisa mekgwa epe fela ya borukhutlhi ka jaana bo ka senya bokamoso jwa bone. Mogolwane wa lephata la thuto mo Mochudi, Rre Kereng Koko le ene o ne a nna le sebaka sa go bua le bana bao mme a ba kaela ka mosola wa go tshweledisa dithuto tsa bone ka e le bokamoso jwa bone. A re go botlhokwa gore ba tlogele sekolo se ba sa bolong go tsena mo go sone se le mo seemong sa go ka dirisiwa ke babangwe go na le go se senya mo go ka ba tsenyang mo dikgoleng. Rre Koko o ne gatelelela kgang ya gore maitseo ke namane ya moroba mme bana ba tshwanetse ba nna le maitseo a a amogelesegang mo setshabeng mme e bile ba tlotla batsadi. Mogolwane wa thuto o ne a re thuto e na le bokamoso jo bogolo mo botshelong jwa motho mme fa ba ka tsaya thuto ka tlhoafalo ba tlaa atlega mo matshelong a bone ka bongwe ka bongwe. Moruti Jimmy Phale go tswa kwa kerekeng ya Dutch Reformed Church o ne a kgothatsa bana go nna le poifo Modimo ka e le yone tshimologo ya botlhale. A re ba tshwanetse ba tsaya thuto ya bone ka tlhoafalo ka gore fa ba fetsa sekole maduo a tlaa supa gore e ne e le bana ba ba ntseng jang le gone gore sekole sa bone se tlaa bo se le mo maemong a a ntseng jang Botswana ka bophara. Ramapodisi yo motona wa kgaolo ya Mochudi, Senior Supt Cavin Mookodi o ne a ba balela mengwe ya melao ya lefatshe leno gore ba itse gore ba tshwanetse go dira eng go tila melato e e ka ba welang le dikatlholo tsa yone. O ne a ba supegetsa gore molao wa re fa o le ngwana wa mosimane o ka kgwathisiwa dithupa tse di sa feteng borataro fa o le ka fa tlase ga dingwaga tse 18 mme fa o feta dingwaga tseo o ka kgwathisiwa dithupa di ka nna 12. Senior Supt o ne a ba kaela gape gore molao wa re ga go na ngwana wa dingwaga tse 14 yo o ka atlholelwang kgolegelo mme jaanong ka gore bone ba setse ba fetile dingwaga tseo ba ka atlholelwa kgolegelo. O ne a ba tsibosa gape gore fa ba nna mo mebileng ba dira molato o go tweng go tsamaya o sa itse gore o dira eng (idle and disorderly) ba ka atlholelwa kgolegelo ya molato o. Mogokgo wa sekole sa Molefi, Rre Francis Semathane a re keletso ya gagwe ke gore ba kgaogane ka kagiso go se na molato ope mme e bile fa ba tlhoka thuso ba seka ba tshaba go tla kwa sekoleng ka gore ba ne ba senya ka nako ya ba fetsa lekwalo la botlhano. BOPA education 4 Kgosi Monamodi o bolokilwe "Matshwititshwiti a batho ba ne ba tshologetse phitlho ya kgosi ya pele ya motse wa Shoshong, Kgosi Monamodi Monamodi, ka mafelo a beke kwa Shoshong. Dibui ka bontsi di kaile fa Kgosi Monamodi ene ele senatla, a rata gape a tlotla batho , a le lobole gape ele motho yo o neng a rata ngwao ya ga bone thata. Ba ka ile fa Kgosi Monamodi ene ele moeteledipele wa mophato wa Mahetsakgang, leloko la komiti ya ditlhabololo le Shoshong Development Trust, mokhanselara wa motse wa Shoshong ka ngwaga wa 1974-1976 gape ele mogakolodi wa tsa bogosi le ngwao. Go ya kaba lelwapa la gagwe le ditsala tsa gagwe, Kgosi Monamodi e ne ele motho yoo botlhale e bile a le tlhaga mo go se a neng a nale lorato mo go sone. ""E ne ele motho yo o o dinyao fela thata , re ne re bitsana bo ‘Mentioned le Certain Individual’ go tlhalosa basadi ba rona ba re ileng ya re go goleng ga rona ra ba nyala,’ga tlhalosa Rre Ontumentse. Rre Ontumetse a re gape ene ele motho yo o botho, a supa gore motho o tshwanetse go tlotla ba bangwe a tlotla batho botlhe ba a berekang le bone kgotsa a tshela le bone. Fa a tswa la gagwe, moemele bogosi jwa Bangwato Kgosi Sediegeng Kgamane a re o berekile le Kgosi Monamodi ka lobaka go fitlhela a tlogela tiro ka bogodi, a kaya fa e ne ele motho yo o tlhaga. Kgosi Kgamane a re ene ele motho yo o neng a na le botho le boineelo mo tirong e a neng a e dira, a tlatsa ka gore bogosi jwa ga Mmangwato bo latlhegetswe ke setlhare se se neng se tiile ka a ne a na le bogakolodi fela jo bo tsepameng. O tlhalositse fa a ne a nale maikemisetso a matona mme e bile mo ditirong tsa Bogosi setshaba se latlhegetswe, ka fa a ne a tshwere tiro ne a dira k abo tswa pelo le ka bopelo telele. Kgosi Kgamane a re, o ne itse tsamaiso ya bogosi fela thata ka ke ka moo e rileng ka 1988 ya nna ene yo o neng a etelela motse wa Shoshong, a bona gore o tsena mo mererong yotlhe ya bogosi jwa ga Mmangwato le bogosi fela jotlhe jwa lefatshe leno. A re o ne a nna mo lekokong le le neng la ya go baya Kgosi Tawana kwa Maun le Kgosi Kgafela kwa Mochudi, ka a ne a na itse fela thata dikgang tsa bogosi le gore di tsamaya jang. O ne a tlhalosa gore o ne gape a eteletse morafe wa Shoshong fa go kgobokanngwa madi a sefikantswe sa tautona wa pele wa lefatshe leno, gore morafe wa Shoshong le one o nne le seabe. Kgosi Kgamane a re e rile le go tlogela tiro ka 1996 a nna a tswelela ka go nna motsadi, a gakolola fa go tshwanetseng a ntse a berekela morafe wa gagwe. Mopalamente wa Shoshong Rre Philip Makgalemele o ne a tlhalosa fa Kgosi Monamodi ene ele moeteledipele wa popota mme ba ithutile go le go ntsi mo go ene. Rre Makgalemele a re Kgosi Monamodi o tshidile botshelo jo bo tletseng, ele motsadi, kgosi, moeteledipele wa tlhwatlhwa yo batho ba ka ithutang go le go ntsi fela mo go ene. A re e ne ele moemedi wa tlhwatlhwa ka ane a sa oshaosha mme a tsentse gole gontsi mo ditsong tsa bogosi mo lefatsheng leno gammogo le ditlhabololo tsa motse wa Shoshong. O ne a kopa morafe wa Shoshong gore e re le ntswa o latlhegetswe go tswelela o tshegetsa dithuto tshotlhe tse Kgosi Monamodi a di ba rutileng, a tlatsa ka gore go ya ka ene Kgosi Monamodi o tshwanelwa ke tlotla fela e kgolo ka a diretse lefatshe leno ka bo tswapelo le peloetelele mme a tshwanelwa ke tlotla ya ga Tautona. Mopalamente wa pele wa Shoshong Rre Duke Lefhoko le ene o ne a kaya Kgosi Monamodi fa le ene ele motsadi yo o nang le dikgakololo fela tse di tsepameng mme e bile a rata thata puo le ngwao ya Setswana. Rre Lefhoko a re Kgosi Monamodi e ene ele motho yo gape a neng a tlotla mongwe le mongwe, a ele tlhoko mafoko a gagwe ka nako tshotlhe gore ka gongwe a se kgopise ope. A re Kgosi Monamodi fa go tla ka fa puong ya Setswana gone o ne a sa oshaosha mme e bile a batla e buiwa sentle, ka jalo a sa rate fa batho ba e senya ka a ne a dumela gore puo ke yone konokono ya ngwao le setso. Rre Lefhoko a re o ne a dumela gore bana ba tshwanetse go rutiwa puo ya Setswana ka gore fa ba sa itse ga ba kake ba itse ngwao ya bone. Kgosi Monamodi o tlhokafala jaana a le dingwaga di le masome a a robangbongwe le bobedi, a sena go lwala ka lobaka. O tlogela bana ba le supa. " society 9 Lekgotla la tsamaiso ya ditlhopho Baemedi ba komiti e e tsamaisang ditlhopho e e bopilweng ka kemedi ya diphathi, mekgatlho, bogosi, bobega dikgang, sedumedi, sepodisi, ba-na-le bogole, banana, makgotla a babereki le a a ikemetseng ba gokolotswe go thusa lekgotla go isa melaetsa kwa setshabeng. Kgakololo e, e ne e dirwa ke mogolwane wa lephata le le ikemetseng la tsamaiso ditlhopho yo o okamentseng kgaolo potlana ya Palapye, Rre Balatlhegi Baloi fa a mogela maloko a komiti eo go a lekodisana ka diphetogo tse di dirilweng mo molawaneng wa tsamaiso ditlhopho. Rre Baloi a re komiti ya lekgotla la tsamaiso ditlhopho (Party Liason Committee) e botlhokwa thata mo mererong le tsamaiso ya ditlhopho. A re tiro ya yone e tona ke go rerisana, go baakanya le go tla ka megopolo e e nonofileng go thusa ka go tokafatsa merero ya ditlhopho mo dikgaolong tsa bone. O ne a supa fa dipaakanyo tse di dirilweng bosheng tsa mangwe matlhophelo e le sengwe sa tse di supang bokgoni jwa komiti. A re go baakanngwa ga mafelo a matlhophelo go ya go fokotsa ditshenyegelo tsa puso. Rre Baloi o ne a lekodisa ka motshine o o tlaa dirisiwang mo ditlhophong tse di tlang, go okediwa ga madi a ba ba emelang ditlhopho, go phimolwa ga kwadiso ya poeletso le tse dingwe, a re ke dingwe tsa tse di fetotsweng mo molaong wa tsamaiso ya ditlhopho. O kopile kemo nokeng ya komiti go thusa go tlhalosetsa morafe ka diphetogo tseo, a re e tlaa re fa matshine o goroga ba o begele komiti pele ga ba ka ruta morafe ka tiriso ya one. A re o lemogile fa bontsi jwa batho bo santse bo tsaya tlhopho lolea, a re ba tlhoka thuto gore ba itse mosola wa tlhopho le go diragatsa lenaneo la puso ya batho ka batho. Baemedi ba diphathi, banana le ba-na-le bogole ba ne ba supa fa ba le ’bete se molangwana ka tiriso ya motshine ba re nako ya go o ithuta e setse e tsamaile. Ba kopile gore go sekasekwe ikwadiso ya tlaleletso le gore diphathi di thusiwe ka madi go ipapaletsa ditlhopho. Ba-tsena phuthego ba ne ba tlhalosediwa gore molao fa o setse o fetisitswe o dumelanwe bodiredi ga go na sepe se bo ka se fetolang fa e se fela go o diragatsa jaaka o ntse, mme ga tlhalosiwa gape gore mafelo a matlhophelo a ya go lejwa gore a a na le ditlamelo jaaka metsi, dipone, direpodi tsa dikolotsana tsa ba-na-le bogole le matlwana a boitiketso ka nako tsa ditlhopho. BOKHUTLO politics 7 Banana ba rulaganya moletlo Kgosi Mmirwa Malema wa Babirwa, o atlile mogopolo wa banana ba kgaolo ya eo wa go simolola moletlo o go tlaa ipelelwang ngwao ya Sebirwa ka one. Moletlo o, o o tlaa bidiwang Bobirwa Cultural Festival, o tlaa tshwarwa ngwaga le ngwaga. Kgosi Malema o tlhaloseditse ba lekalana gore go ka itumedisa go bona morafe wa Babirwa go tswa kwa metseng yotlhe ya kgaolo o kokoanetse kwa Bobonong go ipelela ngwao ya one. Kgosi a re o itumelela gore morafe wa gagwe o tlaa simolola go ikgakologelwa o bo o itse ka ditso tsa one, ka nako e go tlaa bong go ketekwa moletlo o. A re merafe e mengwe jaaka Bakalanga, Bakgatla, Batswapong, e setse e gatetse pele mme le bone ba eletsa go dira jalo. Monana yo o eteletseng setlhopha se pele, Rre Moemedi Kgosintwa, o tlhalositse fa lekoko la bone le tshwaragane le namane e tona ya go dira dithulaganyo, mme a supa gore ba setse ba dumalane gore moletlo o, o tlaa tshwarwa ngwaga le ngwaga ka kgwedi ya Morule. A re ba ikaelela gore ka letsatsi leo, go nne le ditiragalo di tshwana le mmino wa Sebirwa, kapari, dijo le ditiragalo tse dingwe tse di tlaa tlhalosiwang nako e ntse e tsweletse. Rre Kgosintwa a re ba ikaelela go ikgolaganya le bogogi jwa morafe wa Bobirwa, go ba neela dikgakololo tse di ka tokafatsang go tshwarwa ga moletlo oo. O ne a kopa thotloetso le kemonokeng mo morafeng wa Babirwa le dikompone tse di eletsang go thusa katlego ya moletlo o. O boletse fa setshaba se tlaa itsesewe tsotlhe ka moletlo o fa go sena go wediwa dithulaganyo. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Bonno konokono Go nna le seriti sa bonno ke selo se se botlhokwa fela thata mo botshelong jwa motho, bogolo jang thata le mo kgodisong ya ngwana. Mafoko a, a builwe ke Kgosi Elijah Makgoeng kwa moletlong wa go abela bana boorra Rebafitlhetse ba le supa kwa motseng wa Mabeleapudi. Bana boorra Rebafitlhetse ene ya sale ele dikhutsana morago ga gore batsadi ba bone ba tlhokafale mme b aba tlogela ba nna fela mo mokhukhung, mme ba sekole se sebotlana sa Mabeleapudi b aba agela ntlo ya dikamore di le tharo gore ban ne mo go yone. Kgosi Makgoeng o ne a tlhalosa gore ka bonno ban aba, ba tsile go nna le seriti e bile b aka kgona go dira sentle mo dithutong tsa bone ka go nale fa ba nnang teng. A re ba sekole sa Mabeleapudi ba file bana ba, mpho e ka yone e tsileng go nnela ruri mme le bone botlhoko ja gore ba latlhegetswe ke batsadi ba le bannye bo tsile go fokotsega ka jaanong ban ale tsholofelo mo botshelong. O ne a tlhalosa gore ga se mang le mang mo setshabeng yo ka thusang ban aba ka fa b aba thusitseng ka teng bogolo jang ka le masika ba ne ba sena one sentle mme ba itseelwe ke Mme Thusego Rainong yo eleng moagisanyi wa bone. Kgosi Makgoeng a re Mme Rainong le barutabana ba Mabeleapudi ba dirile go ka tlala ka diatla ka ban aba ba santse bale ba nnye, a tlatsa ka gore Mme Rainong yo le ene a ithsokolelang o ne a sa ipone tsapa go tsaya bana a ba tlhokomela ntse a nale ban aba bantsi le ene. A re bonno ke konokono mo matshelong a botlhe, ke ka moo puso e kopile setshaba go thus aba bangwe mme ka tshwaragano le go ema ka dinao ba le bantsi ba utlwile selelo se. A re moo ke gone go supa le one mowa wa bopelotlhomogi mo setshabeng, mme ban aba tsile go nna ka phuthologo ba be ba tsoge ba nnile baeteledi pele ba tlhwatlwa b aba nang le boiakrabelo ka jaanong ban ale fa ba bayang tlhogo teng. Kgosi Makgoeng o ne gape a kopa bana ba le fa ba le bannye go tlhokomela mpho e ya ntlo ka ga se mang le mang mo botshelong yo o e boning, a re ba itse gore e tshwanetse ya nna phepa e bile ba ikgaphe mo dilong tse di sa siamang go efa seriti. E rile a bua ka tiro e, modulasetilo wa komiti ya barutabana ba sekole sa Mabeleapudi Mme Kelebogile Kgotlaetsile a supa fa go ne go se motlhofo gore ba felele ba agile ntlo e ba saleng ba simolola go e kokoanyetsa madi ka ngwaga wa 2010. A re le bone fela jaaka ba na le mowa wa bopelotlhomogi bane ba bona gore ba agela ban aba fa ba ka nnang teng ka e bile bangwe ba bone ba ne ba setse ba sa tsene sekole mme ba le bannye ka go nne ba sena fa ba ka nnang teng. Mme Kgotlaetsile a re ba ne ba ikopanya ele barutabana ba dira ka gotlhe go bona gore ban aba ba nna le bonno gore batle ba tsene sekole sentle, le ntswa Mme Rainong yo eleng moagisanyo le bone a ne a setse a ithaopile go ba tlhokomela le fa ntswa a sokola. A re ba ne ba kopa dithuso mo bathong le mo setshabeng go bona gore ba agela bana ba ntlo mme le bone ele barutabana ba ikanapa go bona gore b aka dirang eng go bona gore bana boorra Rebafitlhetse ba nna le ntlo. O ne a akgola ba banka ya Serowe Botswana Building Society, Serowe Library le mabekele ka go farologana mo Serowe a tshwana le la PEP, Dunns, Furnmart, Glass Corner ga mmogo le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mabeleapudi go bo ne lebone ba ne ba tsenya letsogo fela thata go bona gore ban aba, ba nna le ntlo. Mme Kgotlaetsile o akgotse le botlhe b aba ikemetseng mo setshabeng ka dithuso tse ba di ntshitseng go bona gore ban aba ba nna le bonno. society 9 Ba le bararo ba tlhokafetse Mapodisi a Letlhakane a tlhotlhomisa kotsi e mo go yone borre ba le bararo ba tlhokafetseng, fa a le mongwe a bone dikgobalo tse di masisi. Kotsi e e diragetse ka Sontaga (April 27) mo maitseboeng ka nako ya bone. Ramapodisi a Letlhakane, Superintendent Robert Mack o supile fa borre ba, ba ne ba tsamaya ka koloi ya modiro wa Toyota Corolla. A re ba ba tlhokafetseng mo kotsing eo ke borre ba dingwaga tse di masome a mabedi le bofera bobedi (28), masome a mararo le bobedi (32) le masome a mararo le bone (34), fa yo o bonyeng dikgobalo tse di masisi a le dingwaga tse di masome a mararo le bongwe (31) mme a robaditswe kwa sepateleng sa Nyangabwe kwa Francistown. Supt Mack a re go lebega fa mokgweetsi a ne a leka go feta combi e e neng e le fa pele, mme a thula combi mo leotwaneng le le fa morago, mme a latlhegelwa ke taolo, a bo a ya go thula teraka e e neng e le fa pele ga combi. Rre Mack a re go belaesega fa mokgweetsi wa koloi eo a ne a kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo. Kotsi e e diragetse mo tseleng ya Letlhakane/Francistown fa gare ga sekolo sa Boteti Brigade le Mikelele Motel. Supt Mack o supile fa mokgweetsi wa combi le wa teraka ba sa bona dikgobalo dipe mme ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse. Superintendent Robert Mack a re ba kopa setshaba go ela thoko matshwao a tsela le go kgweetsa ka lebelo le le letlelesegang. A re ba tshwenngwa thata ke dikotsi tse di diragalang fa gare ga motse ka dipalo tse di kwa godimo. Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Ba lekgotla la kabo ditsha ba bete se molangwana Lekgotla la kabo ditsha le le botlana la Serowe la re le tshwenngwa ke palo ya batho ba ba sa tsibogeleng go kwadisa ditsha. Kwadiso e direlwa gore ditsha di kgone go tsenngwa mo moalong o mosha le mo maranyaneng. Seo se tlhalositswe ke leloko la lekgotla leo, Mme Khumiso Balekile mo phuthegong ya kgotla ya Sediegelo e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, yo gape e leng mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Kgotla Autlwetse bosheng. Mme Balekile a re ba kgonne go potiela ditsha di le dikete tse di masome mararo mo Serowe fela e le tsa bonno le dikgwebo, ba akaretsa le tsa masimo a a santseng a le fa gare ga motse. A re di le 20 000 beng ba tsone ba setse ba kgonne go dikwadisa fa di le 10 000 di ise di kwadisiwe. O ne a gwetlha banni ba Serowe go tsibogela ditsamaiso le diphetogo ka nako go itsa mosuke o o nnang teng fa dilo di setse di ba patika. Mme Balekile a re mo nakong ya gompieno, ba santse ba buletse kwadiso ya ditsha, a tlatsa ka go re Batswana ba maoto a tshupa go tsibogela taletso eo. O ne gape a tlhalosa fa ba tsweletse ka go aba dinomoro tsa metse, a supa fa ba simolotse kwa metsing e e kwa ntle. A re mo nakong e no ba tlaa bo ba simolola go pega dinomoro mo Serowe. O ne a tlhalosa fa mo nakong eno ba abela batho ba ba ikopetseng ditsha ka 2005, a supa fa ba ba emetseng go abelwa ditsha ba feta 6 000. Mogolwane go tswa kwa Water Utilities Corporation kwa Serowe, Rre Joseph Dibuseng, o tlhalositse fa ba itemogela mathata a go kabana ga dipompo tsa kgopho metsi a a leswe. A re gantsi fa metsi ao a sa fete fa ba latedisa ba fitlhela go latlhetswe matlalo mo teng a bo a thibela leswe go feta. Rre Dibuseng o ne a tsibogela dingongorego tsa banni ba kgotla ya Sediegelo ba ba neng ba supa fa ba sa le ba dueletse go gokelwa mo dipompong tsa kgopho metsi a a leswe ka 2004, mme nako kgolo ke eno. O ne a dumelana le kgang ya banni ba Sedigelo ya gore ba sale ba duetse mme ga ba ise ba gokelwe mo dimpompomg tsa kgopho metsi a a leswe. Rre Dibuseng o ne a isa boikuelo mo banning ba Serowe gore ba seka ba bula mafuti a a tshelang metsi a a leswe ka a le borai jo bo ka tsenyang matshelo a bone mo diphatseng. Rre Dibuseng a re kompone ya gagwe e leka ka gotlhe go bona se se ka dirwang go thusa, morago ga gore ba tswe ka leano la gore ba bone mafuti a a gaufi go ka gokela mo go one. O ne a supa fa lenaneo leo le tlaa tsweledisiwa go gokela ba ba iseng ba gokelwe ka ditsamaiso tse di tlaa dumalanwang, kwa ntle ga ba ba neng ba setse ba dueletse kwa pele ka thulaganyo ya ntlha. Mopalamente Autlwetse o ne a re go botlhokwa gore bodiredi bo ne bo ofa batsadi dikarabo tse di maleba fa ba batla thuso kwa diofising tsa bone, segolo jang fa ba ba batla kitso ka ditsamaiso tsa diofisi tseo ga mmogo le ditlhaloso. A re ba kompone ya metsi ba tshwanetse go nna le mealo ya dipompo tsa bone, a re seo se ka ba thusa go itse fa ba emeng teng le kwa ba tshwanetseng go ya go tsweledisa teng. BOKHUTLO politics 7 Faith Mission e rotloetsa thuto ya bana Kereke ya Apostolic Faith Mission kwa Lobatse e abetse bana ba sekolo se sebotlana sa Ipeleng dimpho tse ba tla di dirisang mo dithutong tsa bone. Fa a bua mo potsolosong, Moruti Tonka Rachabatsotlhe, o supile fa ba bone go tshwanela gore le bone ba nne le seabe mo go rotloetseng thuto ya bana mo dikolong. O tlhalositse fa e rile ngwaga ono o simologa ba bona go le maleba go thusa sekolo seo ka lenaneo la Adopt- a -School, le le neng la simolodisiwa ke lephata la thuto go thusa dikolo fa le tlhaelang teng. Moruti Rachabatsotlhe o ne a bolela gape fa moso le moso ka Labotlhano le Mosupologo ba isa dithapelo le go kgothatsa baithuti ka lefoko la Modimo kwa sekolong seo. A re e le kereke, keletso ya bone ke go bona bana ba golela mo tumelong le gone go boifa Modimo. Godimo ga moo, a re fa bana ba ka itse lefoko la Modimo, motlhamongwe botlhoka tsebe jwa banana bo tla fela. Moruti a re sengwe se se ba gwetlhileng ke go bo ba lemogile gore lenaneo la Adopt - a -School le le mosola fela thata, a tlatsa ka gore lephata la thuto le ka se kgone mokgweleo le le nosi. O supile fa ba tla tswelela ba thusa sekolo seo, e le tsela nngwe ya go supa seabe sa bone e le barapedi mo thutong ya bana ba bone mo dikolong. Fa a tswa la gagwe mongwe wa barutabana ba sekolo seo, Mme Masome Thimbe, a re kereke ya Apostolic Faith Mission e ne ya simolola go ba thusa ka lenaneo la Adopt-a-School morago ga go nna ba isa dithapelo kwa sekolong seo. A re ba ne ba ikopela go thusiwa ka lenaneo leo ka ba ne ba lemoga fa kereke eo e ka ba tswa thuso; a tlhalosa fa e ne ya re ka kgwedi ya Seetebosogo le Phukwi ngwaga ono kereke eo ya ba abela merogo. Mme Thimbe o ne a supa fa se se dirwang ke kereke eo ba se lebogela e le ba sekolo sa Ipeleng, a tlhalosa fa le go ba kgothatsa ka lefoko la Modimo moso le moso e le tiro e ntle. O tlhalositse fa ba kopana le dikgwetlho tse dintsi fela thata mo tirong ya bone ya tsatsi le letsatsi mme a supa fa go kgothadiwa ka lefoko la Modimo go ba sidila maikutlo fela thata. Bokhutlo religion_and_belief 8 Bobelotlhomogi ke phenyo E re le fa lefatshe la Botswana le simolodisitse matshego a Tebelopele ya 2036, Batswana ga ba a phuaganya matshego a Tebelopele ya 2016. Ba tsweletse ka go supa le go diragatsa lengwe la matshego a, la go nna tshaba e e lorato gape e le kutlwelobotlhoko. Se, se rurifaditswe ke mokhanselara wa Marapalalo, Rre Kabelo Lemme kwa kgotleng eo bosheng fa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) ya kgaolo eo e abela Mme Mmalotshabisa Bontseng ntlwana ya boitiketso le ya botlhapelo. Rre Lemme o tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go dira pharologanyo mo matshelong a bagolo mo kgaolo. A re komiti ya bone e itlamile gore mo ngwageng, ba tlaa nopola mongwe kana bangwe mo kgaolong go ba tswa thuso fa ba tlhokang teng. Rre Lemme a re ba tsere maikarabelo a go leba letlhoko le Mma Bontseng a nang le lone mo go a mantsi, mme ba supa lorato le kutlwelobotlhoko ka go mo agela ntlwana ya botlhapelo le ya boitiketso. Rre Lemme a re go abela Mme Bontseng mpho e, ba ne ba gwetlhilwe ke gore o nna a le nosi, o tshwenngwa ke ditlhabi ka jalo ga go bonolo go nna a tsaya loeto a ya go kopa ntlwana kwa baagisanying. Modulasetiolo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Dorcus Gosibotsile a re komiti ya gagwe e tlaa tswelela ka go thusa Mme Bontseng ka go tlodisa beke, e re e e latelang ba ye go mo feelela le go mo tlhatswetsa. Mme Gosibotsile a re ga go felele fela mo go Mme Bontseng ka ba na le botsadi bo le bontsinyana jo bo nang le letlhoko, mme ba tlaa tswelela ka go lekola gore bo tlhoka eng. Mookamedi wa banka ya FNBB kwa Kanye, Mme Hilda Mooketsi o roletse komiti ya ditlhabololo tsa motse ya kgaolo ya Marapalalo hutshe go bo ba tsere kgato ba bona letlhoko la motsadi wa bone. A re boitumelo jwa mogolo ke mogolokwane kwa Modimong, e bile ba ikokeleditse masego le matlhogonolo go sa kgathalesege gore ba ntshitse mpho e e kae, ka gore lemme ga le bolae, go bolaya lefifi. Mme Mooketsi o kgothaditse komiti go tswelela ka mowa wa bopelotlhomogi ka a lemogile fa e se la ntlha ba dira sengwe sa mofuta o. A re se ke go itopela ditshegofatso kwa Modimong. Mme Bontseng o supile fa a itumetse go menagane ka se komiti ya kgaolo ya bone e se mo diretseng, a tlatsa ka go re o tshwenngwa ke gore o santse a kolota ditena tse a di adimilweng ke boora matsalaagwe go tlatsa tsa gagwe tse di tlhaetseng mo kagong. A re o ikgomotsa ka go re boora matsalaagwe ga ba mo kgothakgothe go di busa, ka ba tlhaloganya botshelo jwa gagwe. Mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile a re maikaelelo a letsatsi e ne e le go lere boitumelo le go bo godisa mo motsading wa bone le bangwe ka bone gore le Modimo o ba lemoge o bo o ba okeletse. BOKHUTLO society 9 Kabo ya madi e mo pepeneneng Mothusa tona wa ofisi ya ga Tautona Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri o tlhaloseditse banni ba kgotla ya Borakalalo kwa Molepolole fa kabo ya madi e ama mongwe le mongwe yo o nnang mo lefatsheng le. O buile se, mo phuthegong ya itekodiso kwa kgotleng ya Borakalalo bosheng. Rre Matlhabaphiri o tlhaloseditse banni fa mo Botswana go sa fitlhiwe sepe ka tona wa tsa madi o ntsha pego ya ka fa madi a kgaoganngwang ka teng le gore a ya go dira eng. O supile gore batho ba bangwe ba nna ba bolela fa bone ba sa itse sepe ka kabo ya madi a lefatshe. A re, ditlamelo tse banni ba di dirisang, di dirilwe ka one madi a ba reng ga ba itse sepe ka one ao. O tsweletse a re, dikole tse bana ba bone ba tsenang mo go tsone di tlhabololwa ka one madi a, ga mmogo le ditsela tse dikoloi di tsamayang mo go tsone. Rre Matlhabaphiri o tlhalositse gape gore kwa palamenteng go na le komiti e e bonang gore a madi a a abilweng a dirisiwa ka fa tshwanelong, a gatelela fa komiti e, modulasetilo wa yone e le mopalamente wa phathi ya kganetso. O kgadile batho ba o ka fitlhelang ba re madi a puso a a jewa, a re batho bao ga ba bue nnete le gore ga gona mo go tweng dilo ke tsa phathi e e busang. Mothusa tona o ba lekodisitse ka ditshwetso tse di dumalanweng kwa palamenteng ka madi a puso e a abetseng makalana a mangwe a yone. O tlhalositse fa puso e dumalane go aba madi a ISPAAD gore ba tle ba kgone go lema. O ne a bolela fa puso e ntshitse madi gore go tlhabololwe thuto. A re, dikolo jaaka Kgari Sechele di setse di onetse mme di batla go tlhabololwa, a tlatsa ka gore dijo tse bana ba di fiwang mo dikolong ga di a nonofa, jalo puso e batla go tokafatsa seemo ka madi a e a ntshitseng. Rre Matlhabaphiri o tlhalositse fa matona a ne a anama le dikolo tsotlhe mo Botswana mme ba fitlhela barutabana ba tshwere bothata. O supile fa seemo se, se isitswe kwa palamenteng gore se tle se sekasekiwe go tle go bonwe gore go ka dirwa jang go se tokafatsa. Rre Matlhabaphiri o tlhalositse fa madi a mangwe a a neng a kopilwe e ne ya nna madi a go thusa ba-na- le- bogole, a tlatsa ka gore batho ba ba tlhokomelang ba-na –le- bogole ba nna fela le bone mo malapeng mme ba felela ba sa itirele sepe. O tlhalositse fa madi a mangwe a kopetswe go lwantsha seemo sa metsi. A re go setse go goketswe didiba di le thataro mme go dira jaana go tlile go tokafatsa seemo sa metsi mo Molepolole. O tsweletse a re, lephata la metsi le leka ka bojotlhe go phatlalatsa metsi mo Molepolole bogolo jang kwa Lekgwapheng kwa seemo sa metsi se santseng se tshwenya. A re, le ntswa go le jalo, seemo sa metsi se tokafetse fela thata mo Molepolole mme ba santse ba lwa gore matshwenyego a fele gotlhelele. Rre Matlhabaphiri o tlhalositse gape gore madi a bagodi le a Ipelegeng a okeditswe, le gore batho ba Ipelegeng madi a bone ga a na go kgaolwa fa ba tsene diphuthego tsa kgotla le ka malatsi a boitapoloso. A re, babereki ba Ipelegeng ba tshwanetse go tsena diphuthego tsa kgotla ka nako yotlhe ka e tlaa bo e le ntlha nngwe ya go supa gore ba mo tirong, a tlhalosa gore ba bangwe fa go le diphuthego tsa kgotla ba ya go dira ditiro tsa bone tsa lelwapa mme a re se se supa gore ga ba a theogela. Rre Matlhabaphiri o tlhalositse gore fa phuthego e dule ka bonako, babereki ba Ipelegeng ba tshwanetse go boela kwa tirong. O supile fa batho ba sa tsee tiro ya Ipelegeng tsia. A re, le fa batho ba tsaya gore e diela batho nako mme motho o kgona go reka se se tlhaelang mo lapeng. O tsweletse a ba kopa gore ba inaakanye le mananeo a nyeletso lehuma. Mo go tse dingwe, o tlhalositse fa bana ba ba fetileng lesome le borataro ba dikhutsana le ba-na-le bogole ba sa tlhole ba tlaa duela madi gore ba dire Omang. O ne gape a bolela gore go dirilwe molao o mosha wa dipasa gore bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse di lesome le borataro ba duele lekgolo la dipula e seng makgolo a mabedi a dipula le masome a matlhano jaaka go ntse go duelwa. A re, se se dirilwe go lebilwe gore dipasa tsa bana di nna dingwaga tse tlhano e bo di sa tlhole di dirisiwa mme fa ba di shafatsa ba duela lekgolo la di pula gape, fa tsa bagolo tsone di fela morago ga dingwaga tse di lesome. E ne yare fa ba akgela, morafe wa supa fa ba itumeletse ditshwetso tse, ba bolela fa di tsile go tlhabolola matshelo a bone. Mme le fa go ntse jalo, ba tlhalositse fa go na le magotswana a a phunyang diterata tse ba ageletseng dikoko ka tsone mme ba di utswe. Ba kopile tona gore e re fa ba ba abela terata, bogolo ba senkelwe e e thata e e ka sekeng e phunyege ka bonako ka e kare magotswana a santse a leka go phunya e tsose modumo. BOKHUTLO society 9 Makhanselera a Ghanzi a begelwa ka Tirelo Setshaba Makhanselara a kgaolo ya Ghanzi ba farologana ka maikutlo mo lenaneong le le sha la Tirelo Setshaba le le tla a simololang kgwedi e e tlang e rogwa. E rile a ba baya pele lenaneo le mo phuthegong ya khansele bosheng, mothusa mokwaledi mo lephateng la banana, metshameko le ngwao Rre Jefferson Siamisang a re, lenaneo le le itebagantse le go aga banana le go rotloetsa mowa wa boithaopo o o ka agang setshaba. A re lenaneo le, ga se tiro ke gone ka moo banana ba ba akareditsweng mo go lone ba yang go direla kwa magaeng a bone gore go seka ga nna le kgwetlho ya boroko jaaka mo lenaneong le le fetileng. Rre Siamisang a re lenaneo le, le tsere banana ba le 15000 mo go ba ba 26000 ba ba neng ba ikopetse go tsewa mo go lone. O tsweletse a re jaaka dikgaolo di le masome matlhano le bosupa, di filwe banana ba ba lekanang ga gona kgaolo e e filweng banana ba bantsi go feta e nngwe. A re ba ne ba tsaya banana ba dingwaga tse di masome mabedi go ya kwa go masome mararo, a tlatsa ka gore ba ne ba baya ba ba dingwaga tse di masome mabedi le borobabongwe ka fa mosing, fa ba setse ba tshwanelwa ke go fokotsa dipalo. Rre Siamisang o tlhalositse gore ga ba a akaretsa dialogane mo lenaneong le, ka a re bone ba na le sebaka se sentle sa go ka bona ditiro mo isagong. A re ba tsere banana ba ba sa rutegang gotlhelele go ema ka ba dithutego tse go seng motlhofo go bona tiro ka tsone. Mokhanselara Rre Douglas Lemme wa Karakubis o kgadile a sa kgwe mathe lenaneo le, a re ke go senyetsa bana nako mo ba ka bong ba ne ba bona sengwe ba se dira. Mokhanselara Rre Nathaniel Tuahuku wa Dkar a re o gakgamadiwa ke lenaneo le ka a re, ka nako e tautona e neng ele mothusa tautona ,o ne a kgala lenaneo le fela thata, mme a re o gakgamadiwa ke gore puso e bo e simolodisa lenaneo le gape. Rre Tuahuku a re, a se puso e se dirang ke go batla go berekisa bana jaaka makgoba. O tsweletse a re, tirelo setshaba ya maloba e ne e tsewa jaaka legato le lengwe la thuto, ka morago ga yone monana wa go nna jalo o ne a nna le tshiamelo ya go tlhatlogela kwa dikolong tsa ithutelo ditiro. E rile a araba ngongorego tsa bone Rre Siamisang a re, puso e lemogile fa banana ba le bantsi fela thata mo lefatsheng le, e bile e ka seke ya itlhokomolosa selo seo, ke gone ka moo e dirang ka gotlhe mo e ka go kgonang go itebaganya le go tla ka mananeo a go thusa banana ba. A re banana ba, ba tlaa bo ba bolokelwa P200 kgwedi le kgwedi gore ba tle ba kgone go itirela sengwe mo isagong. A re ba tla a fiwa gape le P500 gore ba kgone go reka melora kgwedi le kgwedi. Rre Siamisang a re banana ba, ba tla a bo ba tsentswe mo maphateng a a farologaneng jaaka la botsogo,la temo-thuo magareng ga a mangwe ,gore ba ithute dilo tse di farologaneng mo go ka ba fang lesedi gore fa ba tswa mo lenaneong le, ba kgone go ka ipulela dikgwebo tse di potlana tse ba tla a bong ba ithusa ka madi a ba ntseng ba a bolokelwa. Ends economy_business_and_finance 3 Tsiane o tlhomilwe kgosi Ba Takatokwane ba tlhomile Visco Tsiane go nna kgosi wa motse wa bone. Se se tla morago ga go tlhokafala ga ga rraagwe ebong Kgosi Motsiele Tsiane. Fa a amogela baeng kwa tirong eo, Kgosi Kaisara Phuthego wa motse wa Maboane, o ne a iteela tiro eo legofi, a supa fa ba itumeletse gore e bo e kgonagetse. Kgosi Phuthego o ne a supa fa go na le diphatlha tse dintsi tsa bogosi tse di tlhokang go kabiwa, a bo a kopa gore ba ntlo ya bogosi ba sekaseke kgang e ka jaana fa kgosi a ya malatsing a boitapoloso, go tlhoka yo a salang a mo tshwareletse. Kgosikgolo wa Bakwena Kgosi Kgari III, o ne a supa fa erile Kgosi Motsiele Tsiane a sena go ba tlogela, ba nna le morero o moleele wa gore go ka tlhongwa mang mo setilong, mme a supa a ne a felela a nopola leina la ga Visco gore a tsene mo ditlhakong tsa ga rrraagwe. O supile fa Kgosi Visco a ne a na le kwa a berekelang teng, mme ba ne ba tshwanela ke go mo tlogedisa tiro gore a tle go direla morafe wa gagwe. Kgosi Kgari III o ne a supa fa Kgosi Tsiane a ne a dumela go tlogela tiro ka jaana a na le lerato mo go ba gagabo. O kopile Kgosi Tsiane go dirisana le morafe wa gagwe sentle, ba gakololane gore ba tlhaloganye dikgwetlho tsa motse wa bone sentle. O kopile morafe go ema kgosi ya bone nokeng gore a tle a kgone go dira tiro ya gagwe sentle. Modulasetilo wa ntlo ya dikgosi, ebile e le Kgosikgolo wa Batlokwa, Kgosi Puso Gaborone, o ne supa fa a itumeletse go lalediwa go ya go tlhoma Kgosi Tsiane mo setilong, a supa fa a ithutetse tiro kwa sekolong sa Mahupu Junior kwa Takatokwane. Kgosi Puso o ne gape a supa fa bogosi bo tlhodilwe ke Modimo go nna motlhokomedi wa batho, hela jaaka go tlhalosiwa le mo Baebeleng gore batho ba di tlotle le go boifa Modimo. O tlhalositse fa motho a tsholelwa mo lelwapeng la bogosi a tshwanetse a supa ka setho, mekgwa le gone go tsamaya ga gagwe. O tlhalositse fa kgosi e le pilara ya motse e morafe o ikaegang ka yone, a tlhalosa gape fa kgosi e le setlhare se se nniwang ke morafe moriti. O ne a tlhalosa gore fa morafe o rutegile le kgosi o rutegile ka jaana ba tlaa tlisa dikitso tse ba nang le tsone kwa kgosing gore di tswele motse mosola. O supile fa tiro ya kgosi e tona e le go direla morafe wa gagwe le go nna sekao mo morafeng wa gagwe. O gakolotse morafe wa Takatokwane go gakolola kgosi ya bone sentle, eseng go mo timetsa le gone go mo rata. Kgosi Puso o ba gakolotse gore fa ba ka tshwaraganela tiro ya bone le kgosi ba tlaa tlhabolola motse wa bone. Malomaagwe Kgosi, Rre Ebineng Soma o ne a gakolola Kgosi Tsiane gore a itse fa a ya go bereka le batho ba ditlhaloganyo tse di farologanyeng, mme a ithute go bereka le bone botlhe. Rre Soma o ne a ntsha matshwenyego a dikgosi tse di nwang bojalwa phetelela mme di felele di palelwa ke tiro, mafoko a morafe o neng a iteela legofi. Tsala ebile e le modiri ka ene wa pele go tswa kwa komponeng ya Debswana, Rre David Dekoker o ne a kopa kgosi Tsiane go dirisa botsipa jwa kompone eo e bo mo rutileng. O mo kopile gape go ikanya Modimo go mo kaela tsela. Fa a amogela thomo, Kgosi Tsiane o ne a supa fa a kwadile dintlha tse a neng a di rutwa gore a tle a di bale go mo thusa mo tirong ya gagwe. O supile fa a tlaa ikanya bagolwane ba gagwe gore ba mo gakolole fa a sa tlhaloganyeng teng ka ebile ba mmuletse mabati. O ne a leboga morafe le botlhe ba ba dirileng gore tiro eo e kgonagale. politics 7 Mokalake o kgothatsa banni go dirisisa noka ya Boteti Mopalamente wa Boteti Borwa, Rre Lebonaamang Mokalake, o kgothaditse banni ba metse ya Mokobaxane, Xhumo le Kedia go dirisa noka ya Boteti go dira dikgwebo ka go farologana go tlhabolola matshelo a bone. Rre Mokalake o buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa mo kgaolong ya gagwe bosheng. A re ba ka dira ditshingwana tsa temo ya nosetso le tse dingwe tsa bojanala fa thoko ga noka, tse di ka okelang bajanala mo kgaolong potlana ya Boteti. Rre Mokalake, yo gape e leng Tona wa Ditsha le Matlo, o ne a ba kopa go dirisa mananeo a puso go intsha mo lehumeng le go tlhabolola metse ya bone, a tswelela ka go ba rotloetsa go tsena mo kgwebong tsa bojanala ka jaana dile bogadi bo gaufi. Tona a re bajanala ba mafatshe a mangwe ba kgatlhegela thata go etela mo Botswana gona le mafatshe a mangwe, a re ka jalo, bojanala bo thusa go tswakanya itsholelo, a tlatsa ka gore dikgwebo tsa bojanala di ka ba busetsa fa di tshwantshanngwa le temothuo. Tona o ne gape a ba lekodisa ka dikgang dingwe tse di builweng kwa palamenteng e e fetileng di akaretsa magareng ga tse dingwe dikgwetlho tsa tlhaelo ya motlakase, seemo se se sa iketlang sa matlhabelo a dikgomo a BMC, theko ya diteemane le bolwetse jwa tlhako le molomo. Banni ba metse e ba ne ba atla mananeo a ntshitsweng ke puso jaaka la Ipelegeng le la ISPAAD ba supa fa a tsweletse sentle. Ba tsweletse ka go tlhalosa fa lenaneo la Ipelegeng le thusa morafe fela thata ka go tlhama ditiro tsa nakwana, ba kaya fa le thusa gape le mo go diragatseng ditlhabololo dingwe tsa motse. Le fa go ntse jalo, banni ba ne ba ngongorega ka bodiredi jwa maphata mangwe a puso, ba supa fa ba sa ba thuse sentle e bile le gore seemo seo se dia go diragadiwa ga mananeo a puso, segolo bogolo la nyeletso lehuma. Ba ne gape ba ngongorega ka dijo tse puso e di abelang ba ba kobodikhutshwane kgwedi le kgwedi. Ba re ga di tle ka nako le gone di tla di kgaogane fa mo mabakeng mangwe di tla di le mo seemong se di ka se jeweng e bile di ka tsenya botsogo jwa motho mo diphatseng. Ba ne ba kopa tona go sala morago tsamaiso e dirisiwang go ba abela dijo ka jaana ele kgang e ba tswang kgakala ba ngongorega ka yone mme go sena phetogo epe. Ba supile fa ba lapisitswe ke go shabela mo mpeng, ka gore ba ba filweng marapo a go ba abela seshabo le ba ba tsisang dijo tse dingwe ga bana lenaneo la gore ba thuse setshaba nako e le nngwe. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Lenaneo la go thusa sepodisi le molemo Sub Inspector Theressa Ntusa wa sepodisi sa Molepolole a re banni bangwe ba motse oo, ga ba amogele lenaneo la go thusa-mapodise (cluster policing). O ne a tlhalosa fa e bile bangwe ba ba se nang seabe mo lenaneong ba bitsa batsaya karolo malope a mapodisi. O buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe bosheng ke mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Mahummad Khan. O kopile setshaba go amogela lenaneo le e bile a tlhalositse fa le le botlhokwa thata ka e bile le thusa ka ipabalelo mo malwapeng a bone. Mme Ntusa o buile gape gore lenaneo le le ruta batho ka ntebela-ke-go-lebele, mo e leng gore baagisanyi ba lebelela yo mongwe lolwapa fa a sa ntse a ile go tlhola temo kgotsa loruo kwa masimo. O tlhalositse gore go ne ga simolodisiwa lenaneo la phala e e ka dirisiwang mo go tlhabeng mokgosi fa motho a tlhasetswe ke magodu, bogolo jang bosigo. O ne a gakolola morafe gore ba ithekele diphala gape ba bo ba ithulaganya ka fa ba ka letsang diphala ka teng fa ba tlhaba mokgosi gore baagisanyi ba tle ba tlhaloganye sentle gore phala e lediwa ke mongwe ka bone. Go tlhalositswe gore lenaneo la boithaopi jwa sepodise le botlhokwa thata ka gape le ruta batho go baya didirisiwa sentle mo malwapeng go itsa gore dirukutlhi di ka di dirisa. Sub Inspector Ntusa o ne a gakolola batsadi go ela tlhoko metsamao ya bana, e seng gore go nne bosigo fela motsadi a bona gore ngwana ga a ise a goroge mo lwapeng. Mme Georginah Muchando go tswa kwa ofising ya tsa tokafatso matshelo, le ene o ne a gakolola batsadi gore e re fa ba ya go tlhola temo kwa masimo, ba tlogele bana le batlhokomedi go itsa go tswa mo taolong ga bana ka Motswana a rile thotana e se nang khudu-tlou boo lobeto ba iipha naga’. Mme Ntua o gakolotse setshaba go netefatsa gore ba itse ka tsa semolao go itsa ketsaetsego, jalo se baka se dira ka go etela diofisi tsa sepodise. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Tebelelo ke Kgosi wa Mabeleapodi Leina la kgosi wa Mabeleapodi, Rre Sebonego Tebelelo le sa tswa go rurifadiwa semmuso kwa kgotleng ya motse oo. Kgosi Lefeletse Koonyatse wa Paje ke ene a neng a romilwe ke bogosi go tla go rolela morafe leina la kgosi yo mosha. Se se tla jaana morago ga gore Kgosi Dintle Batshabile yo o busitseng dingwaga tse di masome mabedi le bosupa a ithole tiro ka mabaka a bogodi, kgwedi ya Lwetse ka 2016. Rre Koonyatse o ne a akgolela morafe wa Mabeleapodi go bo ba nnile seopo sengwe go itlhophela kgosi, ga mmogo le go nna pelotelele. O ba iteetse legofi go bo ba tlhophile kgosi ya monana, e bile a itse tsa maranyane. A re se se botlhokwa mo dingwageng tsa segompieno. Kgosi Koonyatse o ne a tlhalosetsa Kgosi Tebelelo gore tiro ya bogosi ke tiro ya boithaopo, mme a mo rotloetsa go nna boineelo le bopelotelele. O ne a laya kgosi a re, “O kgosi ya morafe Sebonego, tsena mo bathong ba go itse le wena o ba itse, ka se se tlaa go direla tiro motlhofo.” E rile a ntsha la gagwe, Kgosi Tebelelo a leboga Modimo, a supa fa a tlaa ikaega ka ene go mo kgontsha thomo e a e neetsweng ya go etelela morafe wa Mabeleapodi pele. O ne a leboga Kgosi Batshabile go bo a mo segetse tema, a ikana fa a tlaa tsweledisa fa a emeng teng. Gape o ne a isa malebo kwa morafeng go bo ba mo file tlotla ya go nna kgosi le go mo tshepha go ba etelela pele. O ne a rotloetsa morafe go tshwaragana le ene gore ba kgone go isa motse kwa pele. “Batho ba Mabeleapodi a re tshwaraganeng, re nne seopo sengwe gore re tsee ditshwetso re le ngatana,” kgosi a gatelela. O ne a tlhalosa fa dipharologanyo e le selo se se leng teng mo botshelong, mme popagano ke yone e ka isang motse kwa pele. O bile a rotloetsa magosana go dirisana le ene le go mo gakolola fa go tlhokafalang teng ka kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. Kgosi Batshabile o ne a akgolela Kgosi Sebonego maemo a gagwe, a mo rotloetsa go tlhoka go nna le selabe sepe mo bogosing jwa gagwe. A re mo dingwageng tse di masome mabedi le bosupa tse a di ntseng mo setilong o dule a le diatla diphepa. “Ngwanaka o tswe o tlhapile diatla o ise o kgopakgopane le ope, o tswe fela ka tse di ntle,” ga gatelela Kgosi Batshabile. O rotloeditse Kgosi Tebelelo go phuthologa go mo kopa thuso fa a e tlhoka. Mongwe wa bagolo ba motse, Rre Segonyane Sego o ne a supa boitumelo, a tlhalosa fa ba ne ba sokola ka lobaka ba sena kgosi. O tlhalosa fa ba ne ba patelesega go ya go tsaya ditlamelo dingwe kwa Tshimoyapula le Paje, mme a supa fa jaanong le bone ba na le rraabone sengwe le sengwe se tlaa siame. BOKHUTLO society 9 Komiti e moko o thata Modulasetilo wa komiti e e baakanyetsang ditshupo tsa Serowe, Rre Keletso Rakhudu a re ba batla go tokafatsa ditshupo tseo, tse a reng di ne di simolotse go bopama go di dira ditshupo tsa mmamoratwa. Rre Rakhudu a re ba ikiteile sehuba go fa ditshupo tseoboleng gore e nne kwa balemi-barui ba ka bonang mmaraka o o botoka teng le go A re ba batla go ikaga sesha go aga mmaraka wa maemo antlha, a tlatsa ka gore “re batla gore go kwatabolotswe mo go rona.” O tlhalositse gape fa ba laleditse ba temo ya merogo lemaungo go nna karolo ya ditshupo tse, le bagwebi ba bafarologaneng, le bone ba ba mo motseng wa Serowe tota. Ditshupo tsa ngwaga ono tse di tlaa simologang kgwedi eno ele masome mabedi le bobedi go fitlhelela e le masome a mabedi le borataro, a redi tlaa bo di na le masaka a dikgomo a le masome a fera bobedi le a dipodi ale masome mane. A re ba logile masaka a ditshipi a a tlaa dirisiwang ngwagaono le dingwaga tse di tlang. Di tlaa nna gape le mafelo a ditshupegetso a afetang masome a marataro.Ditshupo tse, Rre Rakhudu a re di tlaa bulwa semmuso keTautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama kgwedi eno e le masomemabedi le bone mme go nne le palabalo kgwedi eno e le masome a mabedile borataro. Rre Rakhudu o tlhalositse fa ba tlaa tsisa baatlhodi ba baithutetseng tiro eo, ebile e le bo mmantswitswidi mo mohameng o ba tlaa oatlholang go ntsha pelaelo mo batsaakarolong gore ba seka ba nyema moko. A re dikatso tsa bafenyi di tlaa tokafadiwa go tiisabalemi-barui moko le go ba rokotsa mathe gore ba tswelele ka go nna karolo ya Rre Rakhudu o tlhalositse fa go tlaa nna le mabelo a dipitsepele ga ditshupo tse, kgwedi eno e le lesome le borobabobedi. A re ba rulagantse gore ditlhopha tsa kgwele ya dinao tse dimo leking e tona kwa Serowe (Miscellaneous le Green Lovers) di iteisane borathana ka nako ya ditshupo. Morago ga ditshupo tse, a re ba tlaa bo ba simolola gobaakanyetsa tsa ngwaga o o latelang, ebile a supa fa ba na le maikaelelo a go Ntswa a tlhaolositse fa madi a santse a tlhaela, Rre Rakhudua re ba bone thotloetso ya madi a a kanang ka P 400 000 go tswa mo go ba CEDA,a tlatsa ka gore ba na le tumalano le bone gore ba tlaa tswelela ka go barotloetsa dingwaga tse pedi tse di tlang, ba ba rotletsa ka P50 000 ngwaga A re kompone nngwe ya Israel e barotloeditse ka P 250 000. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ndaba o kopela Moruti tlhopho Mothusa moeteledipele wa phathi ya Umbrella for Democratic Change UDC, Rre Ndaba Gaolathe o gwetlhile batlhophi ba kgaolo ya Okavango go tlhopha Rre Vister Moruti gore a tle go tsholetsa serodumo sa bone. E rile a rola ntlhopheng oo kwa Shakawe bosheng, Rre Gaolatlhe a bolela fa mo nakong eno serodumo sa banni ba kgaolo ya Okavango se ile tlase ka ntlha ya lehuma le le ba apereng ntswa kgaolo ya bone e humile ditsa tlholego tse ba ka bong ba itshetsa ka tsone. A re bontle ja ditsa tlholego tse di fitlhelwang mo kgaolong ya bone di tshwana le makgobokgobo a Okavango, lentswe la Tsodilo gareng ga tse dingwe, di ka dirisiwa go tokafatsa matshelo a banni ba Okavango fa tiriso ya tsone e ka busediwa benggae . Rre Gaolathe a re fa phathi ya gagwe e ka tsaya puso e tsile go busetsa itsholelo ya lefatshe leno mo Batswaneng go na le jaaka go diragala ka puso ya Botswana Democratic Party. A re gape phathi ya gagwe e tsile go dirisa metsi a noka ya Okavango go dira temo ya nosetso, fa thuto ya dikole tsa diatla yone e tsile go itebaganya le dilo tse di fitlhelwang mo lefelong la kgaolo nngwe le nngwe. A re seo se ka fedisa letlhoko la ditiro ka ba ka kgona go di itlhamela gore ba itshetse le go tlhabolola kgaolo ya bone. Mothusa moeteledipele wa UDC o tsweletse a re batlhophi ba Okavango ba seka ba tshamekisa tlhopho ya bone ka go tlhopha baemedi ba diphathi di sele mme ba tseye Rre Moruti ka a itshupile fa ele moemedi wa popota gore a tle go diragatsa mananeo a phathi ya UDC. E ne yare a kopa tlhopho, Rre Moruti a rotloetsa banni go tla go mo tlhopha gore a tle go rarabolola bothata jwa kgaolo ya Okavango ka a bo itse fa go tshwantshanngwa le baemedi ba diphathi tse dingwe. A re o dule mo BDP ka go batho ba sena kgololesego ya go ntsha mafatlha a bone, selo se a reng o se ila lebaibai. Rre Moruti a re kagiso le thokgamo tse di neng di rena kwa Domkrag ga di sa tlhole di le teng ke ka moo go mo paledisitseng go buelela batlhophi ba gagwe. O kopile batlhophi ba kgaolo eo go mo isa kwa palamenteng ka jaana o tla a bo a gololesegile go ya ka molao motheo wa phathi ya UDC. O tsweletse a re o utlwisa botlhoko ke gore kgaolo ya Okavango e ne e solofeditswe kago ya borogo kwa Mohembo le go tshelwa sekonotere ga tsela ya Mohembo-Gudigwa mme morago ga ditlhopho ba ne ba bolelelwa fa madi a seyo, ka jalo o batla gore a ye palamenteng go baakanyetsa dilo tseo. Rre Moruti a re mo nakong eno, banni ba kgaolo ya Okavango ba fetogile batlhoki ka ntlha ya ditlou tse di gobeyang gongwe le gongwe mo kgaolong eo tse di gomagometsang go nyeletsa mohama o mongwe wa itshetso jaaka wa temo ka go ba senyetsa dijalo ngwaga le ngwaga. A re se se gakgamatsang ke gore, e re ntswa makgobokgobo a Okavango le lentswe la Tsodilo di tlhomilwe matlotlo a a faphegileng, seo ga se tsamaelane le tlhabologo ya matshelo a banni ga mmogo le kgaolo ka kakaretso. BOKHUTLO politics 7 Seemo se tla a tokafala - Seakgosing Tona wa Botsogo, Dr John Seakgosing a re selelo sa tlhaelo ya dikoloi le baoki se tla a tokafala mo nakong e e sa fediseng pelo. E rile a araba dilelo tsa merafe mo diphuthegong tsa kgotla kwa Dikgonnye le Malotwane mo kgaolong ya Kgatleng, Tona Seakgosing a re e re ka jaana puso e tsere tshwetso ya gore maphata a ipaakanyetse dikoloi kwa madirelong a a ikemetseng ka nosi, tlhaelo e tla kgona go arabiwa. A re mo nakong e e fetileng dikoloi tsa lephata la gagwe di ne di diega go baakanngwa kwa Central Transport Organisation (CTO), kwa go baakanngwang dikoloi tsa puso teng, mme seo se ne se baka tlhaelo ya dikoloi mo metseng e e farologaneng. Tona Seakgosing a re dilo di tsile go fetoga ka jaanong ba tla bo ba ipaakanyetsa dikoloi tsa bone mme seo se tla fetola madiadia a go baakanya dikoloi jaaka gone go diragala pele. O tsweletse a re Batswana ba tshwanetse ba tlhaloganya gore, ga se gore o nyatsa tiro e ba CTO ba neng ba e dira, mme go ne go nna le mosuke wa dikoloi ka jalo seo se ne se baka tiego ya go di baakanya ka nako gore Batswana ba bone dithuso ka bonako. Dr Seakgosing o tladitse ka gore e re ka jaanong maphata a tla ikisetsa dikoloi kwa di baakanngwang teng, seemo se tla nna botoka fela thata. Mo kgannyeng e nngwe, banni ba ne ba lela ka gore baoki ba a tlhaela mo dikokelong mme seo se baka tiego ya go bona ba bongaka ka bonako bogolo jang fa o fitlhela mooki a le mongwe mo kokelong. Ba re baoki ba dira tiro ya bone sentle, sebe sa phiri ke gore fa a tsaya malatsi kana a sa tsoga, balwetse ba a sokola mme seo se ka baka mathata a botsogo mo nakong e a seyong. Mo pegong ya komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Dikgonnye Rre Kgotso Motlhabane, o supile gore mooki fa a seyo batho ba a sokola mme seo se ba jesetsa mo kgobedung. Ba kopile tona go oketsa baoki mo dikokelong tsa bone gore tlhaelo e tle e kgone go arabiwa mme balwetsi ba bone dithuso. Tona Seakgosing o ba arabile ka gore lephata la gagwe le lebaganwe ke kgwetlho e tona ya tlhaelo ya baoki, mme o dumela gore seemo se se tla tokafala ka jaana baoki ba tla nna ba fetsa kwa sekolong mme ba isiwe kwa go nang le botlhoki teng. A re, nngwe ya dilo tse di dirang gore go nne le tlhaelo, ke baoki ba e reng morago ga go aloga ba ye kwa mafatsheng a sele go batla mafulo a matalana. O tsweletse a re, se ka bo sone se oketsa tlhaelo ya baoki mme tsholofelo ke gore e tla a re baoki ba aloga, ba thuse go thiba tlhaelo e. Bokhutlo health 6 Setlhopha se tshegeditse ngwao ya Sebirwa Modulasetilo wa lekgotla la baruti mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, Moruti Obakeng Baumake o kgadile tlhakanelo dikobo ntleng ga lonyalo a re e na le seabe se se kwa godimo mo kanamong ya mogare wa HIV. Moruti Baumake yo gape e leng moruti wa kereke ya Faith Mission Apostolic Church in Botswana o ne a tswalela kgwedi ya thapelo kwa Maubelo ka bosheng. Fa a bua maikaelelo a lekgotla la baruti o boletse fa e le go kopanya le go aga botsalano le dikereke tse di farologanyeng go bua ka lentswe le le lengwe kgatlhanong le mogare wa HIV o o tsweletseng ka go gola mo lefatsheng leno. Moruti Baumake o tlhalositse gore moono wa lekgaotla leo, le le kwadisitsweng semmuso ngogola ka Mopitlo e le go aga tshaba e e nang le kagiso e bile e tshela e phuthologile. Modulasetilo wa lekgotla la baruti o kaile fa baruti ba tshwanetse go tsaya boikarabelo ka go kgothatsa le go tlhomamisa gore maloko a a tshwerweng ka mogare a tsaya diribatsi ka fa go tshwanetseng. O kopile borre ba ba nyetseng go itebaganya le basadi ba bone, a kaya fa go ratana le bakapelo ba le bantsi go oketsa kanamo ya mogare. A re baruti ba tshwanetse go nna sekao le gone go kgothatsa ba ba sa nyalang go nyala. Sebui sa letsatsi, Assistant Superintendent Albert Moeng yo e leng mookamela mapodisi a e seng a seaparo (CID) mo Tsabong o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore batho ba itlhatlhobele mogare gore ba itse seemo sa bone. Assistant supurintendent Moeng o boletse fa mo gongwe mogare wa HIV o bakwa ke dipetelelo, go nwa bojalwa phetelela le gone go ratana le bakapelo ba le bantsi, selo se a kopileng baratani go se emisa. O ne a gakolola bomme go tsamaya le ba bapati, bogolo jang fa go le bosigo ka gantsi dirukutlhi di ba tshoganyetsa go itseela dikobo ka dikgoka. O kgothadiste ba ba tsayang diritibatsi gore ba seka ba tlhajwa ke ditlhong go tsaya melemo kwa dikokelong kana dikokelwaneng. A re go tlhajwa ke ditlhong ke go itiela sebaka fela sa go itseela dikgato ka fa go tshwanetseng. O ne a kopa batsadi go kgalemela bana ba basetsanyana go ikgapha mo tlhakanelong dikobo ka e felela e baka boimana ga mmogo le malwetse ba sa ntse ba le bannye. Mo mafokong a gagwe a go tswalela letsatsi leo, mothusa molomaganya ditirelo tsa bolwetse jwa AIDS mo Kgalagadi Borwa, Mme Cathrine Molomo o boletse fa puso e ne ya bona go le botlhokwa go tshwaragana le dikereke go rapelela bolwetse joo ka Modimo e le one konokono mo tharabololong ya diemo tsotlhe mo botshelong. Mme Molomo o ne a gwetlha baruti go ema ka dinao ba ithuta le go batlisisa ka bolwetse jwa AIDS gore dithuto tseo ba di fetisetse kwa diphuthegong ka ba tlhaloganya botoka e bile e le bone go beilweng mo go bone mo kagong le popaganyo ya setshaba. O ne a tlatsa ka go gakolola batsadi go godisetsa bana mo lefokong la Modimo ka go tsena kereke ka e le yone e ka ba betlelang ditsela tsa boammaaruri. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Dipalo tsa letshololo di golela pele kwa Tlokweng Tlokweng o kwadisitse makgolo a mabedi, masome a mabedi le bosupa, ya batho ba ba amilweng ke letshololo mo bekeng tse pedi tse di fetileng. Seo se boletswe ke mooki wa botsogo jwa morafe go tswa kwa lephateng la DHMT, le le okametseng Tlokweng Mme Dimpho Keabonye. E rile a bua kwa phuthegong e e neng e biditswe ke ba lephata la botsogo go tla go lekodisa banni ka seemo sa letshololo mo Tlokweng, Mme Keabonye a tlhalosa fa ba itemogetse bothata jwa letshololo ka fa baneng mme go supa fa le simolotse go ama le bagolo. Mme Keabonye a re go supagetse fa mo bekeng e e fetileng go nnile le dikgang tsa letshololo di le masome a matlhano le borataro, mme e e neng e latela ga gatisiwa dikgang tsa letshololo di le lekgolo, masome a supa le bongwe. A re mo palong ya lekgolo, masome a supa le bongwe, batho ba le masome a mane mo teng ke bana ba ba fitlhetsweng ka letshololo e bile ba latlhegelwa ke metsi mo mmeleng. O ne a tlhalosa fa dipalo tse di tshwenya ka jaana pele ga go tlhagoga ga bolwetse jo, mo Tlokweng go ne go batho ba le ka fa tlase ga lesome mo bekeng kana go sa gatisiwe dikgang dipe gotlhelele. Mme Keabonye o ne a tlhalosetsa morafe ka dikai tse di supang fa ngwana a na le letshololo a re ke go latlhegelwa ke metsi mo mmeleng. A re ngwana o ka wela phogwana, a wela matlho, go boela ga letlalo ka bonya fa a notiwa, go sa aja sentle ga mmogo le go lapisega. O boletse gape fa letshololo le bakwa ke go kgotlelesega ga dijo. A re mo nakong ya gompieno mogare wa rota virus ke one o o amanngwang le letshololo. Mme Keabonye o kopa Setshaba go tshwara dijo ba le phepa ka nako tshotlhe, go tlhapa diatla ka molora fa motho a tswa ntlwaneng ya boiteketso, go tlhapisa bana diatla pele ga ba tshwara dijo, go tlhatswa maungo pele ga a jewa go kganela go nna teng ga letshololo. Mme Keabonye o ne a tlhalosa fa letshololo le sa tshwanelwa go tsewa motlhofo, ka jalo a rotloetsa morafe go tabogela fa dikokelong fa ba lemoga dikai tsa letshololo mo baneng gore ba kgone go thusiwa go na le nako ga mmogo le go thibela go gakala ga letshololo. O ne a tlhalosa fa thulaganyo e e dirwang mo dikokelong e le go fa bana metsi a ORS, kotla ya Zinc sulphate, mme ka jalo ngwana mongwe le mongwe a tshwanetse go nna le yone go lwantsha letshololo. E rile a amogela phuthego mo kgotleng, mothusa kgosi wa Batlokwa, Kgosi Michael Gaborone a supa fa a sa itumedisiwe ke batho ba ba sa tseneng diphuthego tse di botlhokwa jaaka tsa botsogo. Kgosi Gaborone a re go botlhokwa go tsaya ditaelo tsa ba botsogo, segololo bogolo fa go na le mathata a a tlhagogileng a letshololo, ka jalo a kopa morafe o o neng o tsene phuthego go ya go anamisa molaetsa oo. O ne gape a kgala batho ba ba gasagasang matlakala jaaka metseto ya bana mo motseng oo, a tlhalosa fa go dira jalo e le go kgotlela tikologo. health 6 Banana ba kopiwa go tswelela ka maitsholo a mantle E re ka maitsholo a banana aa tlhobaetsang e le kgwetlho mo lefatsheng leno ka bophara, kgosi wa Malwelwe mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Kgosi Bokau Tobe ene o akgotse banana ba motse wa gagwe go bo e le sekao, a re o lemogile phetogo e tona fela thata mo maitsholong a bone a a ntseng a sa itumedise. Kgosi Tobe a re banana ba motse wa gagwe ba ntse ba itsege ka go lwantsha batho e bile ba a nwa bojalwa phetelela, mme a re jaanong dikgang tsa mothale o di ile tlase fela thata monongwaga. O ne gape a akgola batsadi ba motse, a re se se supa boikarabelo le seabe sa bone gore ga ba a ka ba ineela go kgalemela bana ba bone ka nako e botlhokatsebe bo neng bo apere motse. O ne a kopa banana go tswelela ba itshwere ka tsela e e itumedisang eo ka jaana se se ba fa seriti e le banni ba Malwelwe. Le fa go ntse jalo, Kgosi Tobe a re o sa ntse a tshwenngwa thata ke kgang ya beng ba marekisetso a nnotagi ba ba letlelelang bana ba dingwaga tse di kwa tlase go tsena mo marekisetsong a bone. A re go ngomola pelo go bona bana fela ba ba sa tswang go fetsa mophato wa boraro kwa dikoleng tse dikgolwane ba setse ba tsena ka kgoro ya marekisetso a nnotagi mme barekisi ba ba rekisetsa fela le fa ntswa ba itse gore dingwaga tsa bone ga di ba letle gore ba ka bo ba le mo marekisetsong ao. Mo go tse dingwe, Kgosi Tobe a re o sa ntse a sa jesiwe diwelang ke banni bangwe ba motse ba ba senang mowa wa bojammogo a re ga ba ke ba nna le seabe mo ditirong tsa motse. A re banni bangwe ba itsege thata ka go ithaopela ditiro tsa motse, mme ba bangwe bone ba batla fela go tsena fa go nang le madi teng. Kgosi Tobe o ne gape a supa matshwenyego ka go nna maoto a tshupa ga banni mo go tseyeng mananeo a puso, a re se se dirwa maswe le go feta ke gore ga ba ke ba tsena diphuthego tsa kgotla go tla go itseela kitso ka one. society 9 Kgosi ke kgosi ka batho Mothusa tautona wa pele, Dr Ponatshego Kedikilwe, a re kgosi e tshwanetse go nna le boitshwaro jo bo lolameng le go tlotla morafe. O buile jalo kwa peong ya kgosana ya Kgantshang kwa kgaolong ya Nhabe, Rre Elenosi Kenosi bosheng. Dr Kedikilwe a re go baa kgosi ke go supa tlotlo e morafe o mo e neelang, mme a re kgosi o tshwanetse go nna a gakologelwa bontle jo a bo diretsweng joo. A re go ka utlwisa botlhoko gore kgosi a ise seriti sa gagwe kwa tlase ka go tlhoka tlotlo mo bathong ba a ba eteletseng pele A re fa go nna jalo, kgosi ga a tshwanela go lebelelwa fela, mme go akarediwe borrangwane le bagolo ba motse gore ba thuse go ise go ye kgakala. Dr Kedikilwe a re mafoko a a reng ‘kgosi ke kgosi ka batho’ ga a tshwanna go ikgatholosiwa ka a na le kaedi le mo dikokomaneng tse di tlang. Le gale a re fa gotwe ‘mafoko a kgotla a mantle otlhe’ ga go tewe gore jaanong mongwe le mongwe a dire se a sebatlang le ntswa se dule mo tseleng. A re seo ga se ree gore batho ba ka seke ba e kwa go kgosi go tsaya dikgang, mme a re a nne a tlhatlhoba bogakolodi jwa bone. Dr Kedikilwe a re mafatshe a mangwe jaaka Enyelane le Japane a na le magosi, a tlhalosa fa botswerere jo ba neng ba bo dira fa ba eletsa go tsena mo dipolotiking ba ne ba tlhomamisa gore ga ba itlhaganelele go tlhakatlhakanya polotiki le bogosi. A re ba ne ba lemoga fa go di tlhakanya e le go tlhakanya moroko le mase. Dr Kedikilwe a re selo se sengwe se se botlhokwa mo bogosing ke go kopanya merafe e e nnang mo kgaolong, eseng go e kgaoganya. Fa a laa Kgosi Kenosi, Kgosi Charles Letsholathebe o kopile gore molelo o a o fitlhetseng o tuka, o seka wa tima ka nako ya fa a le kgosana. A tlatsa ka gore o fitlhetse morafe o sa phatlalala, mme ene a seka a o phatlalatsa. society 9 Banni ba Lodubeng ba amogetse kgosana Banni ba kgotla ya Lodubeng kwa Kanye ba amogetse Rre Thapelo Sane ka tsoo-pedi botsheng, go nna kgosana ya bone, ba tlhalosa fa ba sa bolo go nyorelwa gonna le moeteledipele. Banni ba ntshitse malebo morago ga tekodiso ya ga Rre Thatayaone Lore ka peo eo. Rre Lore, yo e leng mongwe wa boralekgotla ba kgotla ya ga Taukobong, a re ba lemogile fa kgotla ya Lodubeng e godile mme e tlhokana le moemedi wa bogosi. Rre Lore a re e le ba ntlo ya ga Kgosi Kuto ba ne ba kopana ba bo ba sekaseka leina la yo o ka emelang kgotlana eo, mme ba dumalana ka leina la ga Rre Sane. A re ba ne ba neela ba ga Taukubong leina leo ba le amogela mme ya re morago ba le isa kwa go Kgosikgolo Malope II mme le ene a le atla. Moemela kgosikgolo, Rre Kgotlaetsile Sane o ne a tlhomamisa fa moemedi wa ga Taukobong a ne a ya kwa go kgosikgolo go mmolelela fa banni ba Lodubeng ba kopa moemedi. Rre Sane a re kgosikgolo o ne a dumalana ke sone se ba boneng go tshwanela go ya go begela banni ba Lodubeng leina la yo o tlaa ba etelelang pele, a ba a re o tlaa boa a tla go ba mmegela tona yo o maleba a sena go fetola. Ya re a ba kgwa dikgaba, Mme Khumoetsile Banankoko a lebogela gore jaanong ba tsile go nna le Kgosana a re ke selo se a sa bolong go se letela. A re go kile ga twe ba neelwa kgosana ya kgotla ya Kgwakgwe ba mo gana mme a re o lebogela go bo ba neetswe yo e leng wa bone. A re ba tsile go dirisana le ene go tlhabolola Lodubeng. Mongwe wa batsena-phuthego, Mme Tirelo Galotshoge le ene a supa fa a phophoma ka boitumelo. O tlhalosa fa ba na le lobaka lo lo leele ba sena moeteledipele mo kgaolong ya bone. Fa a ntsha la gagwe, Kgosana Kgosiyabotlhe Setlhatloso a re kgotla ya ga Taukobong e fologa kwa Ntsweng kwa jaanong e leng Goo-Maoto. A re go ne go bapile le Kgwatlheng pele ga le yone e fuduga. Rre Setlhatloso a re ka nako eo, kgotla ya Kgwatlheng e ne e le fa go leng goora Mokgosi gompieno. A re ba ga Taukobong ba dule kwa Ntsweng ba sutela boo-Maoto. A re ba ne ba kile ba leka go gana go suta mme Kgosi Bathoen a ba kopa go sutela bomogoloabone. Rre Setlhatloso a re mo nakong eno ba a leboga ka jaana ba na le lefatshe le le atlhameng. O supa fa kgotla ya ga Taukobong e felela kwa Lodubeng. E rile a amogela thomo, Rre Sane a supa fa a sa ithute boeteledipele. O tlhalosa fa a tle a buise diphuthego tsa kgotla, mme a lebogela ka fa banni ba mo amogetseng ka teng. Rre Sane a re o itse matshwenyego otlhe a bone a ba a rurifatsa fa thulaganyo ya go aga loobo mo kgotleng eo e tlaa tswelela. BOKHUTLO politics 7 Ba ngongoregela go bolawa ga leruo Banni ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba supile matshwenyego ka go bolawa ga leruo fa go na le tlhagogo ya bolwetse jwa tlhako le molomo. Fa ba bua mo phuthegong ya go rolela megopolo lekoko la palamente le le tlhotlhomisang go sa direng sentle ga matlhabelo a BMC le kwelotlase ya mhama wa nama wa lefatshe leno, banni ba kaile fa go bolaya dikgomo go se maleba ka jaana lefatshe leno le dira molemo o o alafang bolwetse joo. Mongwe wa banni, Rre Richard Gudu, o ne a ganana le go bolawa ga dikgomo a re go humanegisetsa kwa pele Batswana ba itsholelo ya bone e reketlang ka gale. A re o tshwenngwa ke go bo go nna go tsewa ditshwetso tse di farologaneng fa go na le tlhagogo ya bolwetse. Moagi yo mongwe, Rre Thomas Mpenya o ne a supa fa matlhabelo a BMC a ne a simolola go ikgatholosiwa fa go bonwa ditswammung. A re seemo se se etesegetse mo dingwageng tsa bosheng fa gape go lemogiwa bokgoni jwa mhama wa bojanala. Rre Mpenya o ne a gatelela botlhokwa jwa gore le fa gone go tswakanya itsholelo go tlhokega, go se ka ga ikgatholosiwa ditsela tsa go tlhabolola le go aga itsholelo tse lefatshe leno le ntseng le ikaegile ka tsone. A re go tshwanetse ga lemogiwa gore e re le ntswa mhama wa bojanala o ka nowa moro, ga se Batswana botlhe ba ba kgonang go ikamanya le one mme a supa fa kgomo yone e tswa goo-lowe e le botshelo jwa Motswana mongwe le mongwe, go sa kgathalesege gore ke wa itsholelo e potlana go le kae. Se sengwe se Rre Mpenya a neng a ngongorega ka sone ke go nna le dithata tse di feteletseng ga botsamaisi jwa BMC. O ne a iteela kobo moroko botlhokwa jwa gore puso e nne le lentswe le le utlwalang mo tsamaisong ya matlhabelo mme seabe sa yone se seka sa felela fela mo go a tsheleleng diketekete tsa madi. Rre Mpenya o ne a kaya le gore go maleba gore barui ba babotlana le bone ba nne le seabe mo tsamaisong ya BMC. A re kakanyo ya gore ke barutegi fela ba ba ka kgonang go tsamaisa matlhabelo e sokame ka jaana lefatshe leno le agilwe la bo la tlhabololwa ke batho ba dithutego tse di kwa tlase mme ba dirile jalo ka bokgabane. Sebui se sengwe, Rre John Monyamane, o ne a ikuela gore diphologolo tsa naga tse di mo mafelong a a gaufi le molelwane e nne tsone di bolawang ka di anamisa bolwetse ka go nna di tlolela mono le kwa ntle . Rre Monyamane gape o ne a otlelela botlhokwa jwa go disiwa ga molelwane ka dinako tsotlhe mo maitekong a go laola malwetse a leruo. A re matlhabelo a lefatshe leno a tlaa tswelela ka go sa dire sentle go fitlhela bolwetse jwa tlhako le molomo bo nyelediwa. BOKHUTLO health 6 Modimo ke makgonatsotlhe Banyalani ba gakolotswe go tshepha le go ikanya mo Modimong ga mmogo le go sala lefoko la gagwe morago ka nako tsotlhe ka e le lone makgonatsotlhe le tharabololo mo diemong tsotlhe tse ba kopanang le tsone mo manyalong a bone. Fa a gakolola banyalani mo thuto –puisanong e e neng e itebagantse le manyalo a a thubegang mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, moruti wa kereke ya Assemblies of God kwa Tsabong, Rre Driver Lebotse o tlhalositse fa maikaelelo a letsatsi leo e le go araba selelo sa ba ofisi ya ga molaodi jaaka e ne ya kua mokgosi mo baruting go thusana le go tshwaragana le bone mo go ageng sesha malwapa a a reketlang le go thubega mo kgaolong eo. E rile a tlhalosa setlhogo sa letsatsi leo se se neng se re, “Lenyalo la boammaaruri ke lefe”, a supa fa lenyalo le simolotswe ke Modimo, ka jalo le tshwanetse go tlotlwa, go fiwa lorato le go tshwarwa ka matsetseleko ka nako tsotlhe. A kaile fa monna a tshwanetse go fa mosadi wa gagwe lorato ka nako tsotlhe le gore mosadi ene a nne le boineelo mo monneng wa gagwe. A re go mo maruding a banyalani gore ba tsaya tsela e e siameng ya go agela malwapa a bone mo seatleng sa Modimo ka go tlhoka go kgotlela manyalo le go letlelela mmaba saatane go a kgaoganya. O kaile fa lelwapa le le nang le kagiso le ka godisa bana ba ba nang le boikarabelo go tlotla le go boifa Modimo, le gone go thusa mo go ageng batsadi ba ba nang le tebelopele, a tlatsa ka go rotloetsa banyalani go kopa dikgakololo mo baruting ka seo se ka thusa mo kagong ya malwapa pele ga a ka tlhoka kutlwisisano. Mothusa molaodi, Mme Peggy Kutlase o akgoletse ba kereke ya Assemblies of God go bo ba tsibogetse mokgosi wa dikgang tsa malwapa a a reketlang le go thubega mo kgaolong eo. O tlhaloseditse batsena thuto puisano eo ka molao wa banyalani wa tlhakanelo dithoto. Mothusa molaodi o tsweletse a supa fa ba tshwenngwa ke manyalo mangwe a ba a nyadisang go le boitumelo mme e re morago a simolole go tlhakatlhakana a bo a felele a thubegile jalo go tsale kutlobotlhoko le bohutsana. Mme Kutlase o boletse fa seo se swabisa e bile se tlhabisa ditlhong ka se kaya fa banyalani ba fetogetse maikano a bone a gore ba tlaa kgaoganngwa ke loso. A re mabaka a a thubang malwapa a akaretsa go lwela dithoto, go nne go lemosegile fa bangwe banyalani ba tsena mo manyalong ka go tla go ikgagapelela dithoto mme lerato le seo gotlhelele. O tsweletse a re dikgwetlho tse dingwe di akaretsa go loba ngwana, tlhakanelo dikobo e e sa dumalanwang, seemo sa mogare wa HIV/AIDS, matlhapa, letso, batsadi ba ba tsenelelang mo manyalong a bana ba bone le go tlhoka therisano. O boletse gore fa godimo ga dilo tsotlhe bana ke bone ba amegang thata mo go thubegeng ga malwapa ka ba felela ba sa tlhokomelwe, maduo a bone a wela tlase mo dithutong fa bangwe ba felela ba tsena mo ditirong tsa botlhoka tsebe. Mothusa molaodi o tlhalositse fa gantsi banyalani morago ga go kgoberega ga malwapa, ba felela ba ikgaogantse mo go seng ka fa molaong, a kaya fa go dira jalo go sa siama ka go felela go fa yo mongwe sebaka sa go senya dithoto tse ba di bapetseng mmogo. O gakolotse banyalani go tlhoka go boela maikano a bone a lonyalo morago ka seo se ka thusa thata mo go fokotseng dipalo tsa go kgaogana ga banyalani tse di ileng magoletsa mo lefatsheng leno. Mme Mphoemang Modisaemang go tswa kwa ofising ya boipelego ene o supile fa go thubega ga malwapa e le matlhotlhapelo mo baneng ka ba felela ba tshelela mo kutlo botlhokong le gone go amega mo tlhakanelo dikobong ya bana ba ba dingwaga di kwa tlase gammogo le petelelo. society 9 Motlobo o thusa banana go ikgapha Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Sebina, Rre Tlhabologo Mabuku a re ba itumedisiwa ke ka fa banana ba motse ba dirisang motlobo wa dibuka ka teng. Mo potsolotsong bosheng, Rre Mabuku a re go bulwa ga motlobo o kwa Sebina go sologetse banana molemo ka jaana o ba thusa go ikgapha. A re pele ga motlobo o o bulwa, bontsi jwa banana ba ne ba tshwabelelwa ke go amega mo ditirong tse di sa amogelesegeng. O tlhalosa gore ne ba nna fela ka go gobeya mo motseng ba sa dire sepe se se ka ba sologelang molemo fa bangwe bone ba ne ba inaakantse le bojalwa, mme bangwe ba amega mo borukhutlhing. Rre Mabuku a re e sale motlobo wa dibuka o bulwa, seemo se fetogile ka jaana bontsi jwa banana ba bonala gone koo, ba dira dipatlisiso mo enthaneteng ka dikgwebo ka go farologana. A re go supa fa dipatlisiso tse ba di dirang di ba ruta sengwe, ka jaana bontsi ba setse ba na le kgatlhego ya go itshimolodisetsa dikgwebo, mme a re bangwe e bile ba setse ba ikopetse madi a banana a go dira jalo. Go sale foo, Rre Mabuku o ne gape a supa fa bagolo mo motseng le bone ba na le kgatlhego ya go dirisa motlobo wa dibuka. A re bangwe ba tseneletse dithuto tsa go ithuta khomputara mme a tlatsa ka gore dithuto tse di rulagantswe ke bagolwane ba bone. O tsweletse a re ba ba setseng ba tseneletse dithuto tse, ba na le kitso ya go dirisa khomputara ntle le thuso epe. Rre Mabuku o bile a supa fa bagolo bao jaanong ba kgona go bua le bana ba bone ba ba direlang kwa ntle ga motse wa Sebina ka maranyane a tlhaeletsanyo ya enthanete. Modulasetilo a re ka fa banni ba motse ba tseetseng motlobo wa dibuka ga mmogo le ditirelo tsa one kwa godimo, go itshupa fa letshego la Tebelopele ya sechaba ya 2016 la chaba e e rutegileng e bile e na le kitso le tla atlega. Mo go tse dingwe, Rre Mabuku o boletse fa ba kopa puso go sekaseka mabaka a go oketsa palo ya badiri ba Ipelegeng mo motseng. A re ka kgwedi, ba thapa badiri ba le masome a supa, mme a re palo e e kwa tlase ka jaana motse o godile. O tlhalositse fa lenaneo la Ipelegeng e le seikokotlelo sa bangwe ba ba ntseng ba sa kgone jaaka batlhoki, ka jaana ba setse ba kgona go itshetsa. education 4 Tsayang tsia botsogo jwa lona Mookamedi wa lephata la thuto go tswa kwa moding kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Mokgosi Labane, o gakolotse babereki ka ene le setshaba ka kakaretso go tsaya botsogo jwa bone tsia. Rre Mokgosi o gakolotse jalo kwa letsatsing la botsogo le le neng le rulagantswe ke lephata la gagwe kwa Masunga bosheng. A re letsatsi leo, le botlhokwa ka jaana le thusa gore ba abelane megopolo ya ka fa ba tshwanetseng go itlhokomela ka teng. A re go botlhokwa gore batho ba nne ba itshidila mebele ka dinako tsotlhe le go ela tlhoko dijo tse ba di jang. Rre Mokgosi a re fa ba dira jalo, ba tlaa bo ba itirela bomolemo ka jaana ba tlaa bo ba netefatsa fa ba shafatsa le go babalela mebele ya bone. A re fa batho ba ka tsaya tsia go itshidila mebele le gone go tlhopha dijo tse ba di jang, go ka ba thusa go tila ditlhabi dingwe mo mebeleng ya bone, tse gantsi di bakang gore ba felele ba ikaega ka dipilisi le melemo mengwe. Rre Mokgosi a re go a tshwenya ka jaana go le gantsi batho ba na le go itlhokomolosa ntlha ya go ela tlhoko ka fa ba jang ka teng le gone go sekaseka dijo tse ba tshwanetseng go di ja, a supa fa batho ba na le mokgwa wa go okiwa thata ke dijo tse di nang le letswai le sukiri. Mo godimo ga moo, Rre Mokgosi o ne a ba gwetlha go inaakanya le ditiro dingwe tsa mo malwapeng, tse di ka ba thusang mo itshidilong ya mebele, a bo a kgalema kgatlhanong le go inaakanya le dingwe tse a boletseng di ka koafatsa mebele ya bone, jaaka metsoko le nnotagi. Mo go tse dingwe, o ne a itsise batho fa tlhaloganyo le yone e tlhoka go tlhokomelwa go itsa gore e felele e itebanya le dilo tse di sa tlhokafaleng, a re go botlhokwa gore ba nne ba itumetse ka dinako tsotlhe. Rre Mokgosi a re mongwe le mongwe o na le thata ya go dira bojotlhe go nonontsha tlhaloganyo ya gagwe, e le go leka go e faposa mo dikakanyong tse di sa lebanang, tse di ka tsisang mowa wa boitlhobogo. A tswelela ka go ba tlhaba podi matseba go tlhaloganya fa leeto la botshelo le ka seke la nna boreledi ka dinako tsotlhe, ka jalo go le mo maruding a bone go tlhomamisa gore ba kgaratlhela go batla tlharabololo ya dikgwetlho tse ba ka kopanang natso. Mogokgo wa sekolo se segolwane sa Masunga, Mme Mmadube Letsholathebe o ne a gwetlha batho go itshidila mebele, go na le go dira jalo fela ka letsatsi la botsogo. Mme Letsholathebe a re seo se ka dira pharologanyo mo mebeleng ya bone. Mogolwane go tswa kwa ofising ya Masunga, Mme Esther Nare, o ne a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo katlegong ya letsatsi leo. Batsena letsatsi leo ba ne ba tsaya karolo mo metshamekong e e neng e akaretsa kgwele ya dinao, bolotloa le e mengwe e le bontlha bongwe jwa go itshidila. Bodiredi jwa kgaolo eo ya Bokone Botlhaba bo ne jwa abela sekolo sa Masunga senior mephuthelwana ya mesangwana ya bomme e le masome a matlhano, go abelwa baithuti ba seokolo seo. health 6 Bo mamathwane ba iphile maatla Banni ba Shashe-Bridge mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba lela ka tshenyo e bakwang ke bo-mamanthwane mo dikagong tsa bone. Se se builwe ke modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse, Mme Oganeditse Peo, mo phuthego ya kgotla e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Tati-botlhaba Rre Samson Guma. Mme Peo o tsweletse a re Bo-mamanthwane ba simolotse go tshwenya ka ngwaga wa 2008, ka bokete kwa kokelong. A re mme ene yare ka ngwaga wa 2010 Khansele ya tla go tlharamomola marulelo le go ba tshela melemo, a tlatsa ka gore go nne ga tokafala thata. O tsweletse a re Bo-mamanthwane ba buile gape ka bontsi ngwaga ono go feta ngwaga e fetileng jaanong ba gasame le motse. Le fa gontse jalo, Mme Peo o lebogetse ntlo ya mooki, tsela, gammogo le kholobete tse baneng ba dikupile. Mme Peo a re sekole le sone se bone ditlhabololo tsa mabolakaboroto a maemo a ntlha mo di kamoreng tsa borutelo, paakanyo ya matlo a baruta-bana. Mo go tse dingwe Mme Peo o kupile metsi, ditsela le motlakase kwa ditsheng di sha,le mafaratlhatlha a dithaeletsanyo mo motseng. Mme Peo kupile gape phaephe ya kgopo ya metsi a a leswe, matlo a badirela puso a le mane, modisa-dikgago, gammogo le mophepafatsi mo kgotleng ya bone. Erile a tsibogela mangwe matshwenyego a bone Mr Guma a re ene le morafe ba tsile go dira mmogo isa lefatshe leno kwa pele. O kupile Kgosi ya motse Kgosi Abram Kgaje go mo fa ofisi mo kgotleng e a tla thapang modiri yo o tla bong a thusana le mokhanselara go nna leitlho la gagwe ka go bo Mokhanselara nna bokgakala bo tshwana, metse ya Ditladi le Patayamatebele. Rre Guma a re o kopile Tona ya tsa lephata la metsi go seka-seka kgang ya letlhoko la metsi le go ntsha pego ya gore seemo se ba ka sethusana jang Rre Guma a re ba itemogetse letlhoko la metsi fa le sa ama bone fela bale esi, le ba dikgaolo tse dingwe ba lela ka metsi. E ntse ele mo go tsa metsi a re go tla dirwa thulaganyo ya gore ba motse wa Patayamatebele le bone ba kgone go nwa metsi a Shashe. BOKHUTLO environment 5 BMC e kgathalela botsogo jwa badiri Mookamela matlhabelo a nama (BMC) Dr Akolang Tombale o akgoletse badiri ba matlhabelo ao go tsena letsatsi la go ipelela botsogo le itshidilo ka makatlanamane. Dr Tombale o dirile kakgolo eo ka Matlhatso jaaka badiri ba matlhabelo kwa Lobatse ba ne ba tshwere letsatsi la go ipelela botsogo le go itshidila mmele, ka di le botlhokwa mo botsogong jwa motho gore a kgone go dira tiro ya boleng jo bo kwa godimo kgotsa go ntsha maduo mo tirong, a rotloetsa gore ba dire tsotlhe ka boikarabelo. Morutintshi wa tsa madi, kwa Moedi Learning Technologies Mme Poloko Mongatane a re botsogo bo na le methale e meraro, ebong botsogo jwa tlhaloganyo, mmele le jwa mowa. Mme Mongatane, a re fa go sena botsogo jo bo siameng jwa madi, bo ama tlhaloganyo le mmele a tlatsa ka gore badiri ba fokotse bothata jwa madi, ka go dirisa methale e e ka ba isang kwa khumong. O tsweletse a re modiri o tshwanetse go nna le maikano, le kitso ya go tshwara madi, le gone gore a madi ao, modiri a a amogelang a na le boleng, a re motho o tshwanetse go somarela e seng go dirisa madi mo selong se le sengwe fela. A re boikgapho mo mading, le tshomarelo go boloka madi, a re badiri ba itlwaetse go beeletsa madi a bone ka tsholofelo ya gore a tlaa gola mme go tlhoka gore ba ithute, ba nne le dikitso tsotlhe ka tiriso ya madi. Mme Mongatane a re ba tshwanetse go itse ka go amogela madi mangwe le mangwe le fa e se a dituelo tsa bone, a re kgwetlho e e leng teng ke go nna boitseme, a tlatsa ka gore mme fa go sa somarelwe, ke gone go tsogang bothata. O tsweletse a re tshireletso ya madi le khumo ke bokamoso jwa bana, a re go kgaoganya madi go tlhoka gore motho a ithulaganye mme go thibele motho go tsena mo dikolotong. Mo go tse dingwe, modiri wa tsa botsogo jwa dijo kwa kokelong ya Athlone Rre Kaone Senna o boleletse badiri gore go botlhokwa go ja dijo le go laola mebele gore e bo e tsogile go ya ka fa go jewang kateng. A re go ja dijo tse di sa siamelang mmele go baka malwetsi a a tshwanang madi a matona, bolwetse jwa sukiri, le a mangwe fela jalo. Rre Senna a re fa motho a ja mo go siameng go tlaa thusa mmele, a tlatsa ka gore mo malatsing ano go inaakantswe thata le dijo tsa sekgowa, gape di na le mafura a mantsi, a re mme ditlamorago ke go oketsa bokete jwa mmele, le malwetse a pelo. O tsweletse a rotloetsa gore go jewe dijo tse di nang le moroko, merogo le maungo a re di ka thusa gore motho a laole ka fa a tshelang ka teng go babalela botshelo, a tlatsa ka gore gape go botlhokwa go itshidila mmele go fokotsa go oketsa bokete jwa one. health 6 Makhanselara a sebete se molangwana Makhanselara a Kgalagadi a ngongoregela madi a a neetsweng khansele ya bone mono ngwaga, ba re a tlaa ba paledisa go tsweledisa ditirelo tsa yone tsa setshaba ka fa tshwanelong. Ba buile jaana mo phuthegong ya khansele e e faphegileng maabane, morago ga gore modulasetilo wa komiti ya madi a khansele, Rre Kemmonye Makatane a ba rolele pego ya madi a khansele. Modulasetilo Makatane, yo gape e leng mokhanselara wa Kang Bokone, fa a rola pego eo ya kgaoganyo ya madi a a tshwarang P209.9 million a ngwaga wa 2019/2020, o supile fa madi a a fokotsegile fa go tshwantshanngwa le ngwaga wa 2018/2019, ka madi e ne e le P212.1 million. Fa a akgela, mokhanselara wa Tsabong Bokone, Rre Mock Ntau o ne a supa fa ditirelo dingwe tsa khansele di tlaa salela kwa morago. O ne a fa sekai ka madi a a neetsweng ba boipelego, a selekanyo sa P 21.5 million, a re ga a na go lekana ba ba tlhokomelwang ke khansele ba akaretsa batlhoki le bana ba dikole ba RADP, ka e bile ngwaga ono e le wa leuba le ntswa lekalana leo le nnetswe madi a a fetang a maphata otlhe. Rre Ntau o ne gape a ngongorega ka boitseme jo bo dirwang ke badiri bangwe ba khansele, ka go tlhoka go duela lekgetho la dikoloi ka nako kwa lephateng le dipalamo le ipabalelo tseleng, mme seo se dire gore ba duele melala, selo se a reng se babalela khansele. Mokhanselara wa Werda, Rre Hendry Louw o ne a kopa boeteledipele go tsibogela seemo sa ditsela tsa Makopong-Werda le Tsabong–Maleshe gare ga tse dingwe. A re seemo ga di a siama, ka jalo di baya badirisi ba dikgaolo tseo mo diphatseng. Mokhanselara wa Bogogobo /Kolonkwaneng, Rre John Lentshikang o ne a supa fa lekalana la boipelego le tshwere phage ka mangana, ka batlhoki ka ba kwadisiwa kgapetsakgapetsa le gore melelo e e tlhagang mo metseng le yone ba thusa ba e ba amileng. Mokwaledi wa khansele ya Kgalagadi, Mme Baipelelang Photlhokwe fa a akgwa makhanselara dikgaba o ne a supa fa khansele e sa tshwanela go tlhokomela batlhoki botshelo jotlhe, ka ba tshwanetse go tla ka maano a go itshetsa le go aloga mo botlhoking gore ba bangwe ba ba tlhokang jaaka bone ba kgone go bona dithuso tseo. Mme Photlokwe a re maikaelelo a bone e le khansele ke go netefatsa gore madi a dirisiwa ka pabalesego. A re keletso ya bone e le boeteledipele ke gore maphata a dirisane, segolo bogolo ka go tlhakanela dikoloi. A re se se ka fokotsa madi a a dirisiwang ke khansele mo lookwaneng le go baakanya dikoloi. Mme Photlokwe o ne a gakolola phuthego gore ntswa letseno le le lennye, ke maikarabelo a botlhe ba ba amegang go netefatsa fa a dirisiwa sentle gore ditirelo tsa khansele di tswelele ka go goroga kwa Batswaneng ka nako. O ne gape a supa fa khansele e sa ntse e kolotwa madi a mantsi, selo se a reng se paledisa khansele go isa ditirelo kwa Batswaneng ka fa go tshwanetseng ka teng. Le fa go ntse jalo, makhanselara mangwe ba ne ba bolela fa khansele e tshwanetse go itirela letseno ka seo se ka thusa mo go fitlheleleng kwa maitlamong a bone a go neela setshaba ditirelo. Ba boletse fa bone e le baeteledipele ba tshwanetse go tsibogela dikgakololo tse di tswang kwa dikomiting tsa ditlhabololo ka bofefo, ka gore go tlhoka go dira jalo go felela go lopa khansele madi a mantsi mo tsamaong ya nako. politics 7 Kgokelo ya metsi a simolotse kwa Boteti Mogolwane wa Water Utilities Corporation (WUC), Rre Innocent Leonard, o tlhaloseditse makhanselara ka mananeo a kgokelo ya metsi kwa dikgaolong dingwe tsa Boteti ga mmogo le tokafatso ya maranyane a metsi kwa Letlhakane. Mogolwane wa WUC o tlhalositse jalo kwa tshimolodisong ya khuduthamaga ya bobedi ya khansele potlana ya Boteti bosheng. Rre Leonard o ne a supa fa lenaneo la Boteti bokone, le le akaretsang metse e supa le go agiwa ga mafelo a phepafatso metsi a le mabedi kwa Motopi le le lengwe kwa Phuduhudu, le simolotswe. O ne a tlatsa ka gore mafelo a a tlhatswang metsi a Motopi ke one a tla a bong a isa metsi kwa metseng eo yotlhe. O tsweletse are mafelo a a tlhatswang metsi a magologolo a Moreomaoto Makalamabedi a tla baakangwa. Rre Leonard o ne a tlhalosa fa la Moreomaoto lone le tla godisiwa, mme tanka e kgologolo ee beelang metsi e emisediwe ka e kgolwane. O sedimoseditse khuduthamaga gore mafelo a a beelang metsi a Mareomaoto le Makalamabedi a weditswe e bile a le mo tirisong fa a Motopi a sa ntse a dirwa. O tlhalositse fa lenaneo le le solofetswe go wediwa kgwedi ya Hirikgong e fela ka ngwaga wa 2016. Rre Leonard o boletse fa mananeo a Boteti Legare le Boteti Borwa a saletse ko morago ka ngwaga. O tladitse ka go tlhalosa fa la borwa le akaretsa metse e ferabobedi mme ba emetse madi go le simolola. O itsisitse makhanselara fa lenaneo la go atlolosa maranyane mo Letlhakane le filwe madi mo lenaneong la ditlhabololo la setshaba, National Development Plan (NDP11). Mogolwane o mongwe wa WUC, Mme Tebogo Matswelenyane, o ne a supa fa ditlhwatlhwa tsa metsi di okeditswe. A re seelo sa metsi ke P20 fa madi a go gokela metsi fa motho a ikepela mosele e le P1 500. A re fa go epa WUC tefo ke P2 000 dimithara di le masome a matlhano (50m) go ya ko tlase. A re fa di feta 50m, go duelwa P27 mithara mongwe le mongwe. Mme Motsilenyane o ne gape a tlhalosa fa ditshipi tse di rekang metsi di fiwa batho ba ba senang dipompo mo malwapeng a tlatsa ka gore motho o direlwa ya ntlha mahala mme fa e latlhegile kgotsa e senyegile, o lopiwa madi go e emisetsa. O bile a supa gore ba dirisana le dibanka le poso gore setshaba se kgone go duela metsi bonolo. O tladitse ka gore WUC e simolodisitse lenaneo la go romela molaetsa wa dikoloto ka megala ya letheka, ka jalo a re ba rotloetsa batho go tla kwa go bone go baakanya dinomoro tsa bone tsa poso le megala. Makhanselara ba supile fa ba batla go bontshiwa mananeo a a dirwang mo kgaolong gore ba tle ba tlhalosetse banni ba dikgaolo tsa bone sentle. Ba ne gape ba re nako e tsile ya gore koporase ya metsi ya WUC e simolodise lenaneo la go reka metsi ka dikarata jaaka go dirwa ka motlakase. BOKHUTLO environment 5 Sekoma o tlaa tlhopha moemedi Tona wa lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Slumber Tsogwane, o ntshitse taelo ya gore go tshwarwe ditlhopho tsa poeletso tsa bokhanselara kwa kgaolwaneng ya botlhophi kwa Sekoma mo kgaolong ya botlhophi ja Jwaneng- Mabutsane. Bo ntlhopheng ba kopiwa go isa maina a bone kwa go motsamaisa ditlhopho kgwedi ya Tlhakole ele lesome le bobedi kwa Sekoma Primary School. Maina a tlaa amogelwa go tswa ka nako ya boferabongwe mo mosong go tsena ka nako ya bongwe motshegare, le go tswa ka nako ya masome a mararo a metsotso morago ga nako ya bobedi go tsena ka nako ya botlhano maitseboa. Tlhopho epe e e ka tlhokang go tshwarwa e tla nna ka kgwedi ya Mopitlwe e tlhola ga thano. politics 7 Makhansalara ba batla setimamolelo Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba a re go botlhokwa thata gore go nne le setima molelo mo kgaolong ya bone go thusa mo diemong tsa tlhagogo ya melelo. Ba re go tlhoka setima molelo, go baya kgaolo ya bone ka fa mosing ka jaana fa go tlhagoga molelo mo dikagong dingwe kgotsa madirelo, go felela go nna le tshenyo e e seng kana ka sepe, e e ka bong e ne ya laolesega fa go na le setima molelo mo kgaolong. Makhanselara a re go ngomola pelo go bo kgaolo ya bone e bo e santse e ikaegile ka ditima molelo go tswa kwa toropong ya Francistown le Tutume. Ba buile jalo fa ba akgela mo mafokong a modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, Mme Florah Mpetsane kgwedi eno e le lesome le boferabongwe, morago ga a sena go ba lekodisa ka tiragalo e mo go yone boloko jwa mantlwana a le mabedi a borutelo a sekole se sebotlana sa Letsholathebe a neng a jewa ke molelo kgwedi eno e le boferabongwe. Modulasetilo o ne a itsise makhanselara fa go ise go itsewe se se ka tswang se bakile molelo oo, fela ka lesego go sa nna le dikgobalo dipe. Mabapi le tiragalo eo, go ne ga kuelwa mokgosi ditima molelo tsa Francistown le Tutume mme ka ntlha ya sekgala sa go tswa kwa mafelong ao, balwantshi ba molelo ba fitlhela matlwana ao le dithoto tse di neng di le mo teng go setse go ile fela jalo ka tsone. Mokhanselara wa kgaolwana ya Tshesebe, Rre Smarts Mathonsi a re tiragalo eo, e tshwanetse ya bula khansele matlho mme ya itsolopanya, go ipaakanyetsa seemo sa go tshwana le seo. Mokhanselara Mathonsi a re le fa gone go ka seke go agiwe kampa ya setima molelo, fela ke nako ya gore go dirwe thulaganyo ya gore go nne le koloi ya setima molelo mo khanseleng go nna e le malala a laotswe, e letile seemo sa go nna jalo. Mokhanselara wa kgaolwana ya Masunga a re go tshwanetse ga dirwa gotlhe mo go ka kgonegang go leka go babalela matshelo a bana mo dikoleng, a re le tsone ditsompelo tse di tlhagisang ka melelo (fire sensors) di tshwanetse tsa tlhomiwa mo dikoleng go tsibosa batho ka molelo nako e sale teng. E ntse e le mo phuthegong ya khansele, leloko lengwe la lekoko la Ya Tsie, le le itebagantseng le twantsho ya bolwetsi jwa HIV/AIDS, Dr Mompati Mmalane o ne a lekodisa makhanselara ka seemo sa bolwetsi joo mo lefatsheng leno ka bophara, a re ditshekatsheko di supa fa go santse go na le ditiragalo tse di sha tsa batho ba ba tsenwang ke mogare. Dr Mmalane a re ka jalo puso e tsweletse ka go dirisa didikadike tsa madi mo ntweng kgatlhanong le HIV/AIDS, a tlhalosa fa madi ao a ka bo a dirisiwa mo ditlhabololong tse dingwe tse di santseng di saletse kwa morago. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Lephata le abela mo-na- le- bogole Lephata la dikgwa le dibapalwa nageng le abetse Tshidi Tebele, yo o dingwaga di lesome le bongwe e bile a tshela ka bogole jwa go tlhoka puo, melora, dijo, diaparo, ba agelela lelwapa la ga bone ba bo ba lema ditlhare. Modulasetilo wa khansele-potlana ya Tsabong, Rre Meleko Thumpe o ne a akgolela badirelapuso go bo ba tsweletse ka mowa wa kutlwelobotlhoko. O ne a galaletsa tiro e ntle e lephata la dikgwa le dibapalwa nageng le e dirileng. A re lelwapa la ga bo Tshidi le tlaa kgona go tlola melatswana le gone go nna le monyenyo Mokhanselara Thumpe o ne a rotloetsa banni ba kgotlana ya Legonono go dirisa dikgakololo tse ba neng ba di fiwa ke lephata la dikgwa le dibapalwa nageng ka temo le tlhokomelo ya ditlhare tse ba di abetsweng. Rre Patrick Oats, moemedi go tswa kwa ofising ya boipelego o ne a supa fa mowa wa go aba le gone go ema nokeng Batswana ba ba tlhokileng lesego e le maitlamo a a siameng thata ka o ba fa seriti. O ne a tlatsa ka gore puso e ka se kgone go rwala morwalo e le nosi ka jalo setshaba se tlhoka go tsenya letsogo ka seo se ka thusa thata mo maikemisetsong a go isa lefatshe kwa pele go sena ope yo o kgaphetsweng kwa ntle. Rre Oats o ne a tswelela ka go supa fa ba boipelego ba leka ka bojotlhe go isa ditlamelo tse di tlhokegang kwa go ba ba amegang, mme a re dimpho tse di tswang kwa ntle le tsone di tlisa pharologano e tona mo matshelong a ba ba tlhokileng lesego. O ne a kgala mokgwa wa batho bangwe wa go itseela dilwana tse baikopedi ba di fiwang, a re seo ke poelomorago mme e bile go thatafaletsa ba ba di tlhokang botshelo go gaisa. Fa a tswa la gagawe moemedi go tswa lephateng la dikgwa le dibapalwa nageng, Mme Dipoifo Ntau o ne a supa boitumelo a bo a tlhalosa fa ba kgonne go wetsa thulaganyo ya ntlha ya maitlamo a go thusa setshaba. A re ba ne ba itlama go dira dirafole le gone go rekisa magwinya mme ba kgonne go dira madi P5 500 yo ba mo dirisitseng go reka didirisiwa tsa terata ba bo ba agelela lelwapa, ba reka diaparo, melora le dijo. Ba ne gape ba lema ditlhare kwa kgotlaneng ya Legonono, ba lema kwa ga bo Tshidi ba bo ba abela banni ba kgotlana go ya go itemela kwa dijarateng tsa bone society 9 Tebelopele motheo wa ditogamaano Leloko la lekoko le le romilweng ke Tautona, Dr Alfred Tsheboeng, a re tebelopele ke yone motheo wa ditogamaano tsa lefatshe. O buile jalo kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko le romilweng ke Tautona go rerisa Batswana le go tsaya megopolo mabapi le tebelopele ya 2036 kwa Mosu ka Labobedi. Dr Tsheboeng a re puso e leka bosigo le motshegare go fokotsa lehuma la nta ya tlhogo, go bopaganya batho le go fokotsa borukutlhi. Mongwe batsena phuthego, Rre George Batsoseng, a re o eletsa gore ka ngwaga wa 2036 , Batswana ba bo ba tlhabologile botlhe, ditlamelo tsa botsogo di le gaufi e bile ditlhabololo di akaretsa Batswana ka go lekana. Mme Goyamang Abofilwe ene o eletsa gore motswana mongwe le mongwe a bo a na le setho se se amogelesegang, ngwao e tsosolosiwe, Batswana ba ithute diteme ka go farologana, ba ithute ditiro tsa diatla, itsholelo e dirisiwe sentle, puso e bo e tswelele e rerisa batho. Rre Gosekwang Tsapo a re o batla gore ka 2036 kgokgontsho ya bana le bomme e bo e seo, bojalwa le jone bo emisitswe, batho ba tsena dikereke go anya dikitso le gore sepolotiki e bo e le se se agang ditlhabololo tsa motse, Kgosi Phillip Kopano a re ene o batla gore ngwao e bonale e simololwe ke bogosi , a re ntlo ya dikgosi e bo e dirisa puo ya Setswana ka 2036, go bo go atolosiwe maranyane a ditlhaeletsanyo. E rile a soboka megopolo, mongwe wa lekoko leo Kgosi Maruje Masunga a re ba batla gore ditsela di bo di siame, motse o na le moalo bojanala bo tlhabolotswe, boranyane bo rutiwa kwa dikoleng tse di potlana, setshaba se tlhabologile se na le bonno, go na le ditiro, dikgosi di filwe dithata e bile ba eteletse pele ngwao. politics 7 Lekgwapheng o itumelela dikago Mothusa mogokgo wa sekole se sebotlana sa Lekgwapheng mo Molepolole o 
tlhalositse fa ba itumelela dikago tse disha tse di agiwang mo sekoleng sa
bone, tse di akaretsang matlwana a borutelo le matlo a borobalo ja barutabana.
 O ne a tswelela a re le fa di se kake tsa lekana mme gone goromente o lekile fa
a kgonang teng, le fa a sa ba fa go tletse ka seatla. Bana ba sekole ba tlaa
simolola go nna le matlo a borutelo ba sa ithutele mo tlase ga ditlhare. Se se tla
jaana ka bangwe ba bone ba tsenela ko ntle, ka go na le tlhaelo e kgolo ya
matlo a borutelo. Mothusa mogokgo wa sekole Mme Peggy Thebeyadira o bolela
fa ba ntse ba na le tlhaelo ya matlo a borutelolo e e kwa godimo. Se se
kgoreletsa bana go ithuta ka le fa morutabana a ruta, ngwana o a bo a sa nna
sentle go ka amogela se se a rutiwang. Le go kwala mo bukeng se se buiwang ke
morutabana go nna thata, ka bangwe ba kwalela mo maotong ba sena ditafole. Gape
 ngwana go motlhofo gore a lebe tse di diragalang kgakala a ntse a le kwa ntle
jalo a sa reetse sepe se se buiwang ke morutabana. Bana ba ba senang matlo a
borutelo ke ba mophato wa borataro, botlhano, bone le mophato wa boraro. Ba
ntse ba sokola segolo thata fa nako ya dipula le fa go le serame thata kgotsa
diphefo di tsogile. Mme Thebeyadira o bolela fa
mo bogompienong ba na le matlo a borutelo a le lesome le boferabobedi a a mo
tirosong mme ba na le tlhaelo ya a le supa. A a agiwang a mane mme go tlaa
tsena bana ba dithuto tse di ko godimo ka gore ke bone ba ba seng bantsi ka
palo. Dikago tse dingwe ke tsa
matlo a go tlaa nnang barutabana. Barutabana bangwe ba ntse ba nna ko ntle ga
sekole jaanong matlo a masha a tlaa neela ba le lesome le boraro bonno mo
sekoleng. Ba ntse ba na le matlo a le lesome fela mo sekoleng a go nnang
barutabana. Se se ne se kgoreletsa
barutabana ka gore bangwe ba bone ba nna kgakala le sekole mme fa ba nna ba tla
sekoloeg ba tswa kgakala le sekole ba a lapa. Kwa ntleng ga moo ba felela ba
patelesega go nna le madi a sepagamo fa ba tla sekoleng le fa ba boa maitseboa
morago ga go ruta. Gape se se kgoreletsa barutabana go nna nako e ntsi mo
sekoleng ba thusa bana ka gore ba tshwanetse go ya malwapeng a bone kgakala.
BOKHUTLO politics 7 Bomme ba rotloeditswe go ikemela ka dinao Mohumagadi wa ga Tautona, Mme Neo Masisi, o rotloeditse batsadi go netefatsa gore bana ba gola sentle. Mme Masisi, yo o neng a etetse kwa Bobonong ka Laboraro, a re bana ba basetsana ba tshabelelwa ke dikgang tsa go dirisiwa botlhaswa ke borre ba bagolwane mo go bone. A re fa batsadi ba ka seke ba emele dikgang tse ka dinao, dipalo tsa boimana jwa bana le tsa mogare di tlaa tswelela di le kwa godimo, le ntswa bana e le bone babusi ba kamoso. O supile fa lenaneo la Dipalametse le itebagantse le twantsho mogare le tlhokomelo ya bana ba ba dingwaga tse di lesome le botlhano go ya kwa go tse di masome mabedi le bone. Mme Masisi o kopile batsadi go emisa go tlogela bana ba le nosi ka se se ba tsenya mo diphatseng tsa go dirisiwa ditiro tse di sa tlhamalalang. Mogokgo wa sekole se segolwane sa Matshekge, Rre Tebogo Butale o supile fa go ima ga bana ba sekole go tshwenya. Rre Butale a re ba ne ba tswa ka lenaneo la Tshwara Pelo, go rotloetsa bana go nna le boitshwaro go fitlhelela ba fetsa dithuto tsa bone. Lenaneo le, le ne la thusa go fokotsa dipalo tsa bana ba ba tswang mo sekoleng ka boimana. Mogokaganya ditirelo tse di amanang le mogare wa HIV, Rre Richard Matlhare, o tlhaloseditse Babirwa fa dipatlisiso tsa ba botsogo kwa kgaolong ya Bobirwa di supa fa go ima ga banana, go tsenwa ke mogare wa kgotlholo e tona, malwetse a dikobo, tiriso botlhaswa ya nnotagi le kwelotlase ya go itlhatlhobela mogare wa HIV e le tsone di tshwenyang. Rre Matlhare o ne a rotloetsa batsadi go nna ditsala tsa bana ba bone gore go nne motlhofo go ka ba gakolola fa ba tswa mo tseleng. O tlhaloseditse morafe fa ntwa e bolotse go fedisa kanamo ya mogare mme a supa fa se se ka fetoga fela fa batho ba ka fetola boitshwaro. Mohumagadi wa kgosi ya Bobonong, Mme Gorata Joel, o solofeditse Mme Masisi fa a tlaa sala a tsweledisa fa a emeng teng ka thuso ya morafe go tlhomamisa gore bana ba tswelela le dithuto tsa bone ba sa kgorelediwe ke sepe. education 4 Lekgotla la baruti le tlhopha komiti Lekgotla la dikereke kwa Kanye le sa tswa go tlhopha komiti e e tlaa le tsamaisang mo lobakeng lwa dingwaga tse pedi. Ditlhopho tse di ne di tshwerwe ka mosupologo kwa kerekeng ya Jacob’s Ladder. Maemo a modulasetilo a tserwe ke Rre Themba Pema a thusiwa ke Rre Alogeng Letebele ba boela mo mannong a o lekgetho la bobedi ka go latelana. Maemo a mokwaledi a tserwe ke Rre Paul Tsitsi le ene a boela mo maemong ao e le lekgetho la bobedi ka go latelana, mme a thusiwa ke Mme Copper Rebang e le sefatlhogo se sesha mo komiting, fa motshola madi e le Rre Cassim Tshoganetso le ene a boela mo maemong ao lekgetho la bobedi fa maloko a a tlatsang komiti e le Rre Mpho Kenosi, Rre George Curtin le Mme Vivian Masibi. E rile a amogela thomo, Bishop Pema a tlhalosa fa a lebogetse go busediwa mo maemong, le mororo a ne a eleditse gore a seka a emela ditlhopho gore a fe ba bangwe sebaka mme a felela a sekegela kopo ya lekgotla tsebe ka ba ne ba supa ba santse ba na le tshepho mo go ene. A re keletso ya gagwe ke gore baruti ba ba sa tsweng sekoleng sa boruti ba direlwe thutuntsho go ba suga a tlhalosa fa sekgoreletsi e le letlhoko la madi, a tlhalosa fa pego ya motshola madi le yone e supile fa lekgotla le sena madi. Bisop Pema o ne a lebogela gore ditlhopho tseo di tsamaile sentle ka di ne di gololesegile e bile di akareditse dikereke tsotlhe di sa sokamela ntlheng e le nngwefela, ditlhopho tseo di ne di tsamaisiwa ke moruti Boss Sebeelo go tswa ko lekgotleng la dikereke la Bible Society of Botswana. E ne erile go le pele, Bishop Pema a ntsha pego ya modulasetilo metsotso e se kae pele ga komiti e kgologolo e phatlaladiwa, a supa fa a itumelela boleng jwa dikereke mo lekgotleng leo fa a tshwantshanya le pele a tlhalosa gore erile a tsena mo ofising ka kgwedi ya Sedimonthole ka ngwaga wa 2014 dikereke tse e leng maloko a lekgotla di ne di supa fela mme mo nakong eno di le masome a mararo le botlhano selo se a reng se supa kgatelopele. A re lekgotla le akareditse dikereke ka go farologana, seo e le go supa lorato le popagano ka e bile di kgona go kopanela ditiro mmogo jaaka dikgaisanyo tsa moopelo le tse dingwe. O tlhalositse gore dikereke di ne tsa supa mowa wa bopelotlhomogi ka go thusa ba ba tlhokileng lesego ka go ba abela dikolotsana tse pedi, dikobo le ntlo e agilwe ke ba kereke ya Methodist, le go ema nokeng ba lelwapa la lepodisi le le neng la gapelwa botshelo ke dirukutlhi dingwe mo Kanye. Bishop Pema o ne a lebogela maloko a lekgotla dilo dingwe tse ba di dirileng mo dingwageng tse pedi tse di fetileng jaaka go dirisanya sentle le bogogi jwa motse bo akaretsa bogosi, ofisi ya ga molaodi, ya khansele, Bible Society of Botswana, ba lekalana la BOCAIP gammogo le go lekola ba ba tlhokafaletsweng, a re segolo thata o ba lebogela go tsaya karolo mo ditirelong tsa boipuso jwa lefatshe leno jwa masome a matlhano. O tlhalositse gore dingwe tse ba sa di kgonang ke go baakanya molao motheo, go rekela lekgotla maranyane a computer, fa ba na le kgwetlho ya go tlhoka koloi ya lekgotla, le letlhoko la madi a a dirisiwang ke baruti mo ditirong tsa lekgotla tse dingwe tsa tsone e leng mesepele.BOKHUTLO politics 7 Mopalamente o kopa tomagano ya dikomiti, bogogi Banana ba kgaletswe go nna maoto a tshupa mo go diriseng mananeo a a ka tokafatsang matshelo a bone. Mafoko a, a builwe ke mookamela ofisi ya dithuso tsa banana kwa Lerala, Mme Jacqueline Seumako mo potsolosong le Mme Seumako o tlhalositse fa ofisi ya banana e e kwa Lerala e okametse kgaolwana ya botlhophi ya Lerala/Maunatlala, mme banana ka bontsi ba sa dirise ditlamelo tse di atameditsweng fa go bone di tshwana le mananeo a a ka ba tlhamelang ditiro a ba ntsha mo lehumeng. A re bontsi jwa banana ga ba supe kgatlhego go itse ka ditlamelo kgotsa mananaeo a ofisi eo e e tibagantseng le one ntswa e diretswe bone. O tlhalositse fa ba kile ba tshwara dikgaisanyo tsa ngwaga le ngwaga tsa banana tsa bodiragatsi mme a supa fa kemedi ya banana e ne e le boutsana mo dikgaisanyong tseo. A re se, se ama maitlamo a ofisi ya gagwe a go rutuntsha banana ka methale e e farologaneng e ka yone ba ka itshetsang mme ba inamola mo lehumeng, mme e re pheleletsong ba thuse mo go lwantsheng letlhoko la ditiro le le tsweletseng ka go golela pele mo lefatsheng leno. Mme Seumako o boletse fa gangwe le gape banana ba ngongorega, ba supa ka fa mananeo a banana a dithuso tsa madi a ba ketefalelang ka teng mo bangwe ba reng ba felela ba itlhoboga dikopo tsa bone di ise di arajwe. Ka jalo o ne a kopa banana go nna pelotelele mme ba itshoke go fitlhelela maitlamo a bone a diragala, a tlatsa ka go re go simolola kgwebo go tlhokana le motho a ititeile sehuba a na le lorato le keletso ya go bona a fenya. O ne a bolela fa baikopedi botlhe ba phadisanya le bangwe ka bone mme fela ka mowa wa bopelotelele le lorato motho a kgona go bona se a eletsang go se fitlhelela. Ka jalo o ne a rotloetsa banana go itse go le gontsi le go tlhaloganya dikgwebo tse ba ikaelelang go tsena mo go tsone. O ne a ba rotloetsa gore fa ba sa tlhaloganyeng teng ba kope bogakolodi, selo e a reng e a bo e le legato la ntlha la go supa maikaelelo le maikemisetso a go atlega mo ditirong tse ba ikaelelang go tsena mo go tsone. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Ookeditse Shaw wa Lerala le ene o ne a supa matshwenyego ka mokgwa o banana ba motse wa gagwe ba itshetseng moriti o tsididi ka one fa go tla mo go inaakanyeng le mananeo a a itebagantseng le go tokafatsa matshelo a bone. Kgosi Shaw o boletse fa a itemogetse fa bontsi jwa banana ba santse ba na le mokgwa wa go rata go thapiwa mme ba sa supe kgatlhego go ka itshimololela dikgwebo, selo se a reng se felela se ama maiteko a puso a go leka go rotloetsa banana go nna bagwebi. O tlhalositse fa banana ba motse wa gagwe ba le boitseme, ka go sena mabaka ape a a tsepameng gore ke eng ba sa inaakanye le mananeo a ba a diretsweng. O ne a supa fa ofisi ya banana e bapile fela le bone mo ba sa tlhokeng go tsaya maeto a maleele ba latela diofisi tse di ka ba tswang thuso. Ka jalo o ne a ba kgothatsa go ema ka dinao go ipetlele bokamoso jo ba ka tsogang ba ikgantsha ka jone. O ne gape a rotloetsa banana go ikgapha mo borukhutlhing mme ba inaakanye le go akola mananeo a puso. Kgosi Phoophoo Mapena wa Maunatlala le ene o ne a supa ngongorego ka banana bangwe ba motse wa gagwe ba a reng ba aga ba amega mo dikgannyeng tsa borukutlhi tse a reng di felela di ba senyetsa bokamoso. Kgosi Mapena o ne a rotloetsa banana go ititaya ka thupana go tsaya mananeo a puso a a itebagantseng le go tokafatsa matshelo a bone ka a re ke gone fela ba ka ikgaphang mo melatong e mesesanyane. O ne gape a kopa le bone batsadi go rotloetsa bana ba bone go tsaya boikarabelo jwa matshelo a bone. politics 7 Takatokwane o dirisa motlobo wa dibuka Modiri kwa motlobong wa dibuka kwa Takatokwane mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Mme Eldah Kasefitlhela a re fa e sale lenaneo la Sesigo le simolodisiwa ka 2013, banni ba motse oo, segolo jang banana, ba dirisa motlobo wa dibuka ka dipalo tse di nametsang. Fa a bua mo puisanong bosheng, Mme Kasefitlhela a re lenaneo leo, le le itebagantseng le go rutuntsha setshaba mahala ka tiriso ya dikhomputara le maranyane a inthanete mo metlobong ya dibuka, le okile bontsi jwa banni ba motse oo. A re pele ga go tsenngwa ga dikhomputara tse di gokeletsweng maranyane a inthanete mo motlobong oo,banni ba ne ba le maoto a tshupa go o etela. A re boranyane jo bo kgatlhegelwa thata ke baithuti, bodiredi jwa puso le banana, mme a kaya fa banana gantsi ba bo dirisa go batla ditiro le dikole, le go intsha bodutu ka go tlhaeletsana le ba bangwe ka maranyane a a gokaganyang ba masika le ditsala. A re letsatsi le letsatsi ba amogela batho ba ba etelang motlobo ka keletso ya go tla go ithuta ka tiriso ya dikhomputara le inthanete, mme ba ba tlhatlhelele, a kaya fa tota maitlamo a ba metlobo ya dibuka e le go di goga kwa pele mo go atlegeng ga letshego la setshaba se se rutegileng, e bile se na le kitso. Go ntse go le foo, o supile fa ba itemogela tshologelo e ntsi fa dikole di tswetswe, a kaya fa baithuti ba dikole tse di mo motseng segolo jang ba sekole sa ithutelo tiro ya diatla sa Kweneng Bophirima ba iketleeletsa go tla go balela mo motlobong, le go batlisisa fela ka tse ba sa di tlhaloganyeng kwa sekoleng ba dirisa inthanete. Le fa go ntse jalo, Mme Kasefitlhela o gakolotse botlhe ba ba santseng ba saletse morago go iketleeletsa go etela motlobo wa dibuka go tla go amogela dithuto ka tiriso ya dikhompiutara le inthanete ka jaana ba fiwa ithutuntsho e mahala. O bile a gakolola fa motlobo wa dibuka e se wa banana fela, ka jalo a ba kopa go o etela go tla go ithuta ka maranyane a segompieno go ithabolola. A re ithutuntsho ya dikhompiutara e ka ba thusa go tlhofofatsa matshelo a bone ka jaana kitso yotlhe ka mananeo a puso le yone e ka bonwa moo. Mongwe wa banana mo motseng yo o etelang motlobo wa dibuka, Rre Ponego Madumane a re o lebogela thata go nna teng ga motlobo mo motseng. A re ene bontsi jwa nako o o etela go ya go akola inthanete ya mahala le go bala dikoranta tsa dikgang. A re o oketsa kitso ya gagwe ka go bala dikoranta le go batla ditiro le sekole mo go tsone, selo se a supang fa se mo tswela mosola fela thata e bile e le tsela nngwe ya go ipetlela bokamoso. education 4 Kgosi wa Menyatso o beilwe E ne e le boitumelo le megolokwane jaaka kgotla ya Menyatso kwa Serowe e ne e tshwere moletlo go ipelela peo ya kgosi bosheng. Kgosi David Nkobela o ne a tsaya bogosi morago ga go bo tshwarelelwa dingwaga di le masome mane ke borangwaneagwe ka go farologana, wa bofelo go bo tshwarelela e le, Kgosi Kesenkang Selepeng. Kgosi o sa le a tshwarelelwa bogosi morago ga go latlhegelwa ke mogolowe e bong Kgosi Tloto Nkobela ka 1977, fa rraabo e bong Kgosi Ngwako Monnye ene a sale a tlhokafala ka 1956. Fa a laya Kgosi, Kgosi Phokontsi Seeletso o supile fa maemo a a filweng Kgosi Nkobela e le maemo a gagwe tota. “Rata Morafe wa gago o o tseye ka tekatekano. O ba tseye ka lorato lo lo lekanang ka e le tshaba e o romilweng kwa go yone,” a supa. O kopile kgosi gore a nne pelo telele, a mo eleletsa gore Modimo a mo fe botshelo jo bo leele, a supa fa ba ba tsereng setilo pele ga gagwe ba ise ba buse lobaka lo lo leele. O supile fa Kgosi a le sego ka a na le bosireletsi jo bo lekaneng e bong borangwaneagwe. “O reetse dikgakololo a bo o kope borangwaneago gore ba seka ba go katologa thata, gore o seka wa latlhega,” a laya. Le fa go ntse jalo, o ne a gakolola kgosi gore fa a amogela dikgakololo, o tshwanetse go di sekaseka, ka dingwe di kgona go mo tsenya mo thaelong. E re ka Kgosi Nkobela a ne a bewa le mohumagadi, Kgosi Seeletso, o supile fa e le mohumagadi wa morafe, yo morafe o ka sielang kwa go ene fa kgosi a galefile, e bile e le ene yo o ka gakololang a bo a digela mogopolo wa kgosi. “Go sego jang kgosi e e bewang le mmaetsho,” a tlatsa. Kgosi Seeletse o ne a kopa Kgosi Nkobela go tshwara ka thata le natla go isa morafe wa gagwe kwa pele. “Kgosi ga a tshware morafe ka pelo, le fa mathata a ka tswa a le matona jang, e bile kgosi ga a lebale Modimo, jalo o seka wa lebala go rapela,” a gakolola. Fa a amogela bogosi, Kgosi Nkobela o ne a ikana gore o tlaa dira ka natla jaaka go lopiwa. O supile gore ka a ntse a katologane le morafe, go tlaa tsaya nako gore sengwe le sengwe se kitlane. “Ke gorogile jaanong, mme go tlaa tsaya lobaka gore kgotla e e boele kwa e ntseng e le teng,” a supa. E re ka Serowe a na le dikgotla kgolo tse nne, e leng Maaloso, Maaloso-a-Ngwana, Ditimamodimo le Basimane, kgotla ya Menyatso e wela ka fa tlase ga kgotla ya Maaloso-a-Ngwana mme e bile ke kgotlana e tona ka e na le ditkgotlana di le masome mararo le boraro. BOPA society 9 Boithaopo le boineelo konokono mo tirong Tiro ya borutabana e tlhoka boithaopo le boineelo gore maduo a tle a tokafale. Sebui sa tlotla kwa moletlong wa kabo dimpho ya barutabana ba ba dirileng sentle mo tirong kwa Madikwe Primary School kwa Bobonong Rre Kgoberego Nkawana, o boletse fa barutabana ba tshwanetse go nna lerato mo baithuting. A re se ka dira gore baithuti ba ithute ka tshosologo ba sa tshabe barutabana. Rre Nkawana, yo eleng mongwe wa baithuti ba ntlha go bula sekole se ka ngwaga wa 1970, a re barutabana ba tshwanetse go nna le lenyora la go bona tiro ya bone e tsamaya sentle e bile ba bereka ka tshwaragano. O ba gakolotse go dirisa boitemogelo jo ba bo amuleng mo tirong go diragatsa dielo tsa sekole. A re dimpho tse di neetsweng barutabana ke go lemoga kafa ba berekang ka thata mo tirong ebile gase tuelo ka jalo aba kopa go tswelela ba bereka ka natla. Rre Nkawana o boleletse barutabana gore ba itse fa bale mokokotlo wa lephata la thuto le itsholelo ya lefatshe. O ne a fetsa ka go abela sekole sekete sa dipula sese tla dirisiwang mo ditlhabololong tsa sekole. Mogolwane wa lephata la thuto mo kgaolong ya Selibe Phikwe/Bobonong( SELEBO) Rre Jacob Kebalebile o tlhalositse fa letsatsi la kabo dimpho ya barutabana ele go lemoga lego leboga barutabana ba ba dirileng sentle mo tirong ya bone. A re barutabana ba sekole se, ba supile tswhwaragano le mowa wa go bereka mmogo ke ka mong ba kgonang go dira sentle ka jalo aba kopa go tswelela ba tswaragane ba bereka mmogo gore go ntsha maduo a tlhwatlhwa e nne ngwao ya sekole se. Mogoko wa sekole se,Rre Kelapile Patiko o tlhalositse fa moletlo wa kabo dimpho ya barutaba ele mokgwa wa go kgotlhatsa barutabana go bereka ka nata ka go supa fa go ka thusa gape mo go tlhabololeng maduo a baithuti. A ba mo ngwageng wa boraro ba ntse ba dira kabo dimpho ya motlhale o ebile e supa fa etswa maduo ka sekole sa bone se kgona dira sentle ka 81% go feta seelo sa 80% sese beilweng ke lephata la thuto la SELEBO. Mogokgo o boletse fa sekole sa gagwe se nale barutabana bale masome a mabedi le bongwe go balelwa mogokgo le mothusi wa gagwe mme barutabana bale lesome le bosupa ba kgonne go tsaya dietsele ba fenya seelo sese neng se beilwe ke sekole. A re sekole se ne se beile seelo sa go bona morutabana yoo nang le bana bale bantsi ba ba fentseng ka matshwao a AB le ABC. O boletse fa Mme Oduetse Kgoboki ene ya nna morutabana yoo gaisitseng ba bangwe ka go nna morutabana yoo berekileng ka nata le yoo tokafeditseng tiro ya gagwe. Rre Patiko a re maikaelelo a sekole ke go bona barutabana botlhe mo sekolong ba gapa dietsele tsa motlhale o. O tlhalositse fa bosheng lephata la Meepo,Kgotetso le Metsi le abetse sekole sa bone dibalamakgolo dile tlhano le porintara ele tebogo morago gago lemoga fa sekole se se dirisa motlakakase le metsi sentle. A re sekole se mo dipuisanong tsa go tsamaiswa ke baithuti ba pele ba sekole se mme dipaakanyo tsa go dira ditumalano di santse di tsweletse sentle. education 4 Kgosi Monyemane o rotloetsa kemo nokeng ya bomme Kgosi Moeti Monyemane yo e leng moemedi wa ntlo ya dikgosi go tswa mo kgaolong ya Kgalagadi Bokone, o gwetlhile dikereke go fa bomme tshono ya go nna baeteledipele ka jaana le bone ba na le bokgoni jwa go ka etelela diphuthego pele. Kgosi Monyemane o buile jalo ka Tshipi kwa Kang, jaaka Kereke ya Lutere e ne e tlhomamisa Dean Onalenna Kaartzee. O ne a iteela legofi bogogi jwa kereke eo go bo ba bone go le maleba go ka tlhoma motho wa mme go nna moeteledipele. Kgosi Monyemane a re go le gantsi, o fitlhela go se bonolo go tlhoma motho wa mme mo maemong a bogosi kana a boruti a re mme seo, se ntse se a fetoga ka monokela ka jaana bomme bangwe ba bona maemo a boeteledipele le mororo go ise go lekane. Kgosi o ne a kopa bomme ka kakaretso go emana nokeng go na le go kubetsana ka dijabana, a re e bile nako e ntsi ke borre ba emang bomme nokeng mo diemong tsa botshelo. A re nako e fetile ya go lebela bomme kwa tlase, ka jalo go saletse bone go itsaya motlhala gore ba tlotlomatse seriti sa bone mo setshabeng ka go tshwaragana. Mo go tse dingwe, Kgosi Monyemane o ne a rotloetsa banana go tsena kereke ka janaa e ka ba thusa go ba aga go nna le maitsholo a a eletsegang. E rile a tlhomamisa Dean Kaartze, Bishop Mothusi Letlhage, go tswa kwa Gabane a re Dean Kaartze o tlaa bo a okametse sekete ya go tswa Sekoma go ya Kole. O tlhalositse fa moeteledipele a tshwanetse go supa maitsholo a a eletsegang mo setshabeng jaaka lorato, tlotlo, boikanyego le gone go nna le maikarabelo. O ne a tlatsa ka go re moeteledipele o tshwanetse go tshwaragana le phuthego ya gagwe ka jaana se se ka mo thusa go fenya dikgwetlho tse a ka kopanang le tsone mo tirong. Bishop Letlhage o ne a gwetlha Dean Kaartze go tshwaragana le diphuthego tse dingwe mo tikologong, go na le go lebagana le kereke ya gagwe ka jaana tiro ya gagwe e le go diragatsa thomo ya Modimo mo setshabeng ka kakaretso. Mo kamogelong ya gagwe, Kgosi Molemi Pego o ne a rotloetsa baruti ba dikereke tsotlhe go tshwaragana le dikgosi tsa metse ka jaana go le botlhokwa gore boeteledipele jwa motse bo nne le tshwaragano ya motia go ka thusana go tlhokomela setshaba. BOKHUTLO society 9 Ba tlhoka-pono ba gatetse pele Mokgato wa batlhokapono wa Botswana Association of the Blind and Partially Sghted o butse diofisi kgwedi e e fetileng mo Gaborone. Morutabana wa maranyane a dikhomputara gone ko mokgatlong oo, Rre Goabaone Montsho yo le ene eleng motlhokapono, o tlhalositse fa mokgatlho oo, o itebagantse le go ruta batlhokapono le ba ba sa boneng sentle dikhomputara le go bala le go kwala ka braille. Rre Montsho a re mo nakong eno bana le baithuti ba ba fetang makgolo a mabedi ba ba ithutang dicomputara ko ofising ya bone ba dirisa software ya Jaws ee buang, ee leng gore e dirisiwa ke batlhokapono lefatshe ka bophara. A re ba latela ba bangwe ko dikolong tsa batlhokapono ba ya go ba ruta a tlatsa ka gore re ba setse ba simolotse ka baithuti ba dikolo tsa Molefhi le Pudulogong mo Mochudi. O supile fa Jaws e bala melaetsa le sengwe le sengwe se se mo computareng gore motlhokapono a itse gore go diragala eng. A re ba fa dithuto tsa braille gape gore motlhokapono mongwe le mongwe a kgone go bala le go kwala ebile dithuto tseo di buletswe motlhokapono mongwe le mongwe yo o nang le kgathego ya go ithuta. Rre Montsho o rotloeditse setshaba, dikompone le puso go duelela go nna maloko a mokgato wa batlhokapono gore batle ba kgone go ba thusa go reka didirisiwa tsa mokgato oo go akarediwa dicomputara le software ya Jaws ka jaana di le boutsana a tlatsa ka gore le ba ba nang le keletso ya go ba abela ba ka dira jalo. Rre Montsho o tsweletse a tlhalosa fa mokgato wa bone o itebagantse gape le go sidila maikutlo bao ba ba tshologetsweng ke botlhokapono ba setse ba godile gore ba kgone go tshela ka seemo seo ba sa akanye gore ke bofelo jwa botshelo. A re gape ba ikaelela go fedisa kgethololo ya batlhokapono mo sechabeng ka go ruta batho ka batlhokapono le gone go ba tsibosa gore go tlhokapono ga se bolwetsi ebile motlhokapono o tshwana fela le mongwe le mongwe yo o bonang. Rre Montsho o tsweletse a tlhalosa fa ba itemogetse gore ba na le dikgwetlho tse dintsi tse eleng gore di tlhoka go elwa thoko gore le bone ba tshele sentle jaaka motho mongwe le mongwe. A re gareng ga dikgwetlho tseo ba itemogetse fa setshaba se sa itse ka thobane e tshweu e ba e dirisang a supa gore le fa motlhokapono a tla ka thobane e tshweu e gantsi e dirisiwang ke batlhokapono o fitlhela ba sa itse gore ke thobane ya eng. Rre Montsho o ne gape a kaya fa bontsi jwa nako bakgweetsi ba dikoloi ba sa ba fe sebaka sa go kgabaganya tsela fa ba ba bona ka dithobane tse di tshweu a tlatsa ka gore ko mafatsheng a mangwe jaaka ko Canada ko a nnileng teng setshaba se itse thata ka batlhokapono a tlatsa ka gore fa ba kgabaganya tsela ba tshwere dithobane tse ditshweu bakgweetsi ba a ba emela. O tsweletse a gatelela botlhokwa jwa go nna teng ga dipampiri tsa dikgang tse di kwadilweng ka braille a tlatsa ka gore go botlhokwa gore le bone ba kgone go bala le go itse gore dikgang tsa lefatshe la bone le a mangwe tota di bua ka eng a re seo se ka ba thusa fela thata. A re maikaelelo a mangwe a mokgato wa batlhokapono ke go netefatsa gore melao ee akaretsang batlhokapono e a simolodisiwa mo lefatsheng gore go nne le tekatekano a tlatsa ka gore ba batla go netefatsa gore dilo tse batlhokapono ba ngongoregang ka tsone di a baakangwa. Kwa bofelong o kaile fa bangwe ba bone ba dira ka natla ebile ba tsweletse pele mo dithutong a tlhalosa fa sebe sa phiri e le didirisiwa tse a tlhalositseng gore fa di ne di le teng ba ne ba tla a bo ba phadisana le batho ba bangwe mo ditirong gore le bone ba nne le seabe mo kgodisong ya itsholelo ya lefatshe leno. BOKHUTLO education 4 Bodiragatsi le botaki ke ditlhabololo tsa sennela ruri Mogolwane wa lekalana la UNDP, Rre Christopher Batsalelwang a re bodiragatsi le botaki ke tselana nngwe ya ditlhabololo tsa sennela ruri. Rre Batsalelwang o buile jaana kwa tshimolodisong semmuso ya makgaolakgang a dikgaisanyo tsa malatsi a ga Tautona tsa botaki le bodiragatsi mo Kweneng tse di neng di tshwaretswe kwa Kgosi Sechele I Museum mo Molepolole ka Labobedi. Ka jalo Rre Batsalelwang o boletse fa bodiragatsi, botswerere le bonatla e le tiro e e tswang kgakala mo ngwaong ya Setswana. O ne a tsibosa gore bodiragatsi le botaki di ka tshetsa beng-gae ka go rotloetsa go somarela ngwao le go kgona go bontsha ditshaba tse dingwe bonatla le botswerere jo bo leng mo lefatsheng leno. O ne gape a rotloetsa badiragatsi go ithuta mo go ba bangwe le gore ba ka thusana jang ka tsa matshelo. Rre Batsalelwang a re UNDP e rotloetsa botaki le bodiragatsi e bile ba seka ba tshaba go kopa dithuso mo go bone. Moeteledipele wa lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao mo Kweneng Rre Moeti Godisamang o tlhalositse fa maikaelelo a dikgaisanyo tseo e le go rotloetsa botaki le bodiragatsi go ka fetlha mebereko. Maikaelelo a mangwe ke go bulela badiragatsi dikgoro le mmaraka kwa ba ka rekisang tiro ya bone teng jaaka fa di supiwa di ne di beilwe kwa metlobong ya ditso gore mongwe le mongwe a di bone le gone go itshwaraganya le ba-na-le seabe go tlhatlosa tsa botaki le bodiragatsi. Motlhatlhobi mogolo wa dikgaisanyo tseo, Rre Modirwa Kekwaletswe o tlhalositse gore bodiragatsi ga se tiro ya tsatsi le le tsatsi, ke sone se e dirwang ka matsetseleko go gapa maikutlo. Are mo dikgaisanyong tsa monongwaga, karolo ya go tshwantsha e ne e le ya maemo a ntlha mo dikarolong tse tsotlhe. O gakolotse badiragatsi go tsaya nako ya bone fa ba dira tiro gore e tle e kgatlhise e be e nne ya maemo a a kwa godimo. arts_culture_entertainment_and_media 0 Go phuaganya leruo go tshwenya modulasetilo Modulasetilo wa komiti ya balemi-barui kwa masimong a Mooko mo kgaolong ya botlhophi ya Serowe Borwa, Rre Letso Moiteelasilo, o tlhalositse fa barui le badisa bangwe ba phuaganya meraka go latela ditiro tsa ipelegeng . Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke tona ya merero le tirisano mmogo ya mafatshe a sele, Dr Pelonomi Venson-Moitoi ka Mosupologo, Rre Moiteelasilo a re go tlhoka ipelegeng kwa masimong a Mooko go dira gore batho ba phuaganye meraka go ya Moiyabana le Serowe kwa go nang le ipelegeng teng. E re ntswa a le kgatlhanong le go phuagaya leruo go ya ipelegeng, o tlhalositse fa go le botlhokwa go nna le ipelegeng kwa masimong ao gore balemi-barui ba koo le bone ba akole lenaneo leo, a tlatsa ka gore badisa ba ne ba bereka ipelegeng ka therisono le bahiri ba bone mo dinakong tsa maloba. O tlhalositse fa ipelegeng e ka ba thusa go rema ditlhare le go ntsha diolo tse di tlhogang mo letamong la bone tse a reng di ka nna tsa thuba letamo. O ne gape a supa fa ipelegeng e ka tokafatsa seemo sa tsela ya bone, e balemi ba koo ba lelang thata ka seemo sa yone. Rre Moiteelasilo o ne a supa kgwetlho ya gore motlhaba o o tlang le noka o katela letamo la bone, a tlatsa ka gore le kwa metsi a tshologelang teng fa letamo le tletse go epegile. O ne gape a lekodisa tona gore masimo ao a aperwe ke bogodu jwa leruo, a re seemo seo se gakadiwa ke matimela a a gobeyang koo. Rre Moiteelasilo o ne a supa matshenyego a go tlhoka ditirelo tsa kokelwana tse di tlang ka dikoli (mobile clinic). A re go botlhokwa gore ditirelo tsa botsogo di atumele balemi-barui gore ba nne ba le gaufil le temo le leruo la bone,ba seka ba phuaganya temo-thuo go di latela kwa metseng. A re kago e e kileng ya bo e direla tiro eo e setse e fetogile letlotla. Kgosi Mokopakgomo Kgomokgwana wa Moiyabana le ene o ne supa fa bogodu jwa leruo bo ile magoletsa kwa masimong ao. Kgosi Kgomokgwana a re ka paka ya selemo, bangwe ba kgona go tima dikgomo tsa matimela metsi lebaka le le leele go fithelela di tsena mo seemong sa gore fa di ka nwa metsi di bo di ka swa. BOKHUTLO society 9 Ipelegeng e thusa Mogatle Mme Seasebeng Mogatle, yo o apeeleng babereki ba Ipelegeng kwa Shoshong a re go inaakanya le lenaneo la Ipelegeng go na le maduo a mantle. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Mogatle a re o digela kgwedi ya bobedi a apeela babereki ba Ipelegeng, mme o setse a kgonne go itirela dingwe tse a neng a di eletsa. A re dikatso tse a di bonang o di dirisa mo ditirong tsa malatsi otlhe tsa mo lwapeng, mme maikaelelo a matona ke gore a ye go epa tshimo ya gagwe go ipaakanyetsa paka e ntsha ya temo. A re bontlha bongwe jwa madi o tlaa bo dirisa go reka dipeo ka jaana tse di phakiwang di kgona go tla morago ga nako, a tlatsa ka gore ‘ke molemi wa popotla, ke batla gore fela fa sephai se sena go kgabola ke bo ke fudugela kwa masimo.’ A re le ntswa temo ya ngogola e ne e sa atlega ka dipula di ne di le boutsana, se ga se a mo kgoba marapo a go iteka gape ngwaga ono. Fa a tswelela, mme Mogatle o supile fa a sa gwetlhiwa ke madi fela go tsenelela lenaneo le. A re ke motho yo o lorato thata, e bile o rata go bereka le batho. A re gape babereki ba ba dira ditiro tse di farologaneng tse di bokete, ka moo o itumedisiwa ke go ba fepa ka dijo gore ba ithobe dingalo. Mo go tse a di apayang, a re o kabakanya dijo, a apaya tse di farologaneng letsatsi le letsatsi. O supile fa e le motho yo o tlhaloganyang mosola wa dijo mo mmeleng, e bile a leka ka bojotlhe go apaya dijo tse di nang le dikotla , di tshwana merogo, nama le dinawa ka go farologana ga tsone. A re gape go apaya jaana go okela babereki go tla tirong, ka ba itse fa ba tsile go ja dijo tse di nang le boleng jo bo kwa godimo. Mongwe wa babereki ba Ipelegeng Mme Kesaitse Ramapowa, o iteetse kobo moroko mafoko a ga mme Mogatle, a supa fa ba fiwa dijo tse di phepa ka lorato le monyenyo, a tlatsa ka gore Mme Mogatle o dirisana le bone ka lerato le setho. Fa a wetsa, Mme Mogatle a re o akgolela puso lenaneo le ka le tsholetsa matshelo a Batswana. A re o rotloetsa batho gore ba seka ba tseela lenaneo le kwa tlase ka go dira jalo e le go intsha dijo mo ganong, a tlatsa ka gore ‘boleng ja madi bo tshwana fela, go sa kgathalesege gore ke a tiro efe.’ BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Dibukana tsa ikwadisetso ditlhopho di nyeletse Go bolelwa fa dibuka tsa ikwadisetso ditlhopho di le pedi di nyeletse beke e e fetileng kwa Lobatse. Mo potsolotsong bosheng mookamedi wa mapodisi a District no.4, Mme Oreneetse Mogapaesi o ne a tlhalosa fa ba begetswe kgang eo, e a boletseng fa e diragetse kgwedi e e fetileng e le masome a mabedi le bobedi kwa toropong ya Lobatse. O tlhalositse fa mongwe wa ba ba neng ba kwadisa ditlhopho a ne a lemoga fa dibuka tsa gagwe tse pedi di nyeletse morago ga gore a di tlogela go ya go kopa tse dingwe, ka tse a neng a di dirisa di ne di tletse. Mme Mogapaesi a re ba tshegeditse borre ba le bararo ba dingwaga tse di ka tsamaelang kwa go masome a mabedi le motso, masome a mabedi le boraro le masome a mararo le mme wa dingwaga tse di ka tshwarang masome a mabedi. A re ba sa ntse ba tsweletse ka ditlhotlhomiso, a tlatsa ka go re babelaelwa ba ka nna ba felela ba isiwa fa pele ga lekgotla la ditsheko. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Ba Serorome ba opela bogogi legofi Banni ba kgotla ya Serorome kwa Palapye ba iteetse mopalamente wa kgaolo ya bone, Rre Onneetse Ramogapi le makhanselara legofi go bo ba bone go tshwanela go buisa diphuthego mo dikgotleng le dikgotlana, ba re se, se ba fa sebaka sa go ba itekodisa. Kgosi Samuel Maforaga o tshitse matshwenyego ka tshireletsego ya banni le badiri ba kgotla ya gagwe. Kgosi gape a re go botlhokwa gore kokelwana ya Kediretswe e nne le badisa dikago ba ba e tlhokomelang go tswa mo mosong go fitllha mo maitseboeng, go seriletsa balwetse le baoki ba ba tshwenngwang thata ke banwi ba bojalwa mo marekisetsong a nnotagi a a bapileng le kokelwana eo. A re kgotla ya Serorome e aparetswe ke borukutlhi jo bo apesitseng banni kobo ka letshoba, segolo bogolo ka mafelo a beke. Kgosi Maforaga o ikuetse mo go mopalamente go kopa gore mapodisi a lale a tsamaya mo mebileng mo dikgotleng go hema le go lwantsha borukutlhi. Banni ba ngongoregile ka seemo se se maswe sa ditsela tsa Serorome, bogolo jang ka nako eno ya dipula, le gore metsi a tsena mo malwapeng a bone a dire merwalela, mme ba palelelwe ke go dira ditiro tsa bone tsa tlwaelo. Ba ledile gape ka khamphani ya Makoro Bricks, e ba tlhalositseng fa e sa siamela botsogo jwa badiri ba yone, ntateng ya lerole le lentsi. Ba kopile gore mopalamente le makhanselara ba etele khamphani eo go sekaseka gore a e sala morago ditsetlana tsa tshireletsego ya botsogo jwa babereki, ka ba amana thata le lerole. Mongwe wa banana ba Serorome yo o tshelang ka bogole, Rre Tshiamo Kgamanyane o tlhalositse ka fa banana ba Palapye ba sa tseweng tsia ka teng mo go tsa mebereko, segolo jang ba-na-le bogole. Rre Kgamanyane a re marekisetso a matona a a bulwa ka go farologana kwa Palapye, mme bontsi jwa ba ba hirilweng ke ba ba tswang kwa ntle ga Palapye, a re seo se kgoba banana marapo, e bile se a ba nyenyafatsa. Rre Kgamanyane o tlhalositse fa ene e le mo-na-le bogole yoo nang le bokgoni, yoo ka berekang mo mabekeleng a magolwane, kana mo dikhamphaning tse di phepafatsang madirelo kgotsa dikago. Fa a garela matshwenyego, Kgosi Maforaga o ne a bua a sa kgale mathe ka terata ya Mmalenakana e e kgaotsweng, a re seo se diphatsa mo matshelong a batho ka go latlhelwa dijo tse di senyegileng teng. Kgosi a re seo se baya matshelo a batho mo diphatseng, ka jalo a kopa mopalamente le makhanselara go tsibogela go baakanya terata eo. Fa a ntsha malebo, Mokhanselara wa Serorome, Rre Thabo Seomile o ne a lebogela mopalamente go bo a tsere matsapa go etela dikgotlana tsotlhe tsa kgaolo ya gagwe, a re seo ke go supa tshwaragano le maikaelelo a magolo mo go tsiseng diphetogo mo kgaolong. O kopile makhanselara go tshwaragana le go gakololana, a re seo se ka tsisa kagiso le thokgamo. politics 7 Mompe o arogana kitso le baithuti Mo thulaganyong ya go tsaya karolo mo go godiseng bodiragatsi Rre Tshidiso Mompe o ithaopetse go arogana kitso ya gagwe ya bodiragatsi jwa motshameko le bana ba sekole se se botlana sa Teemane. Rre Mompe yo o dingwaga di masome a mararo e bile a diragatsa mo setlhopheng sa Moremogolo Theatre Trust a re o bone go le botlhokwa thata go ithaopela bana ba sekole seo ka jaana bodiragatsi bo tshwanetse jwa godisiwa le gone go rotloediwa thata mo baithuting ba ba sa ntseng ba le kwa dikoleng tse di potlana. Rre Mompe yo o simolotseng go ruta bana ba sekole sa Teemane bodiragatsi jwa motshameko (drama) ngwaga ono o simologa, o tlhalositse fa go bereka le bana bao go mo kaeditse fa talente le keletso e le ntsi fela thata mo lefatsheng leno mme e tlhokana le go tlhabololwa le gone go engwa nokeng gore e phophome. Fa a bua ka setlhopa sa gagwe sa Teemane, Rre Mompe o tlhalositse fa a rata matlhagatlhaga a setlhopha se mo go ithuteng bodiragatsi jwa motshameko. O kaile fa matlhagatlhaga ao a ne a ntsha maduo a a kgatlhisang ka jaana setlhopha se ne sa tsaya maemo a ntlha fa ba gaisanya le dikole tse dingwe mo Jwaneng mme ba boa ba ipoeletsa seboaboane fa ba tsaya maemo a ntlha kwa dikgaisanong tsa kgaolo mo go neng ga ba neela tshwanelo ya go emela kgaolo ya Borwa fa dikgaolo ka go farologana di kopane. “Bodiragatsi jo bo tlhokana le lerato le matlhagatlhaga gore motho a tswelele pele mme go bona bana ba ba ntsha bojotlhe jwa bone go nametsa pelo thata ka ba kgonne le go tsholetsa leina la sekole sa bone. Se gape ke nngwe tsela ya go rotloetsa bana ba bangwe go tsaya karolo le go nna motlotlo ka bodiragatsi ka kakaretso.” Rre Mompe o kaile fa keletso e le go tswelela le setlhopha sa gagwe go ya kwa sekoleng se se golwane ka jaana bontsi jwa bana bao ba dira lokwalo lwa bosupa. O tlhalositse fa go dira jaana e le nngwe tsela ya go tsweledisa, go baya leitlho le gone go bona fa talente e setlhopha se nang le yone e sa felele mo phefong. “Talente e e tshwanang le e e batla go tlhokomelwa ka gore ke lemogile fa go ka tswa badiragatsi fela ba tlhwatlhwa ba ba ka tsogang ba phatsimisa lefatshe leno kwa mafatsheng a mangwe.” Fa a bua ka kemonokeng ya botsadi, o tlhalositse fa e le botlhokwa thata fela jaaka thuto le yone e le botlhokwa mo bodiragatsing. O buile fa kemonokeng ya botsadi e rotloetsa ngwana go neela bojotlhe jwa gagwe mme e bile go ka thusa ngwana go ka dira letseno la madi mo isagong ka jaana bodiragatsi bo na le bokgoni jwa gore motho o ka itshetsa ka jone. Rre Mompe o gwetlhile badiragatsi jaaka ene go tshwarana ka mabogo go godisa bodiragatsi gore nako nngwe ba kgone go tshela ka talente ya bone jaaka badiragatsi ba mafatshe a tshwana le Amerika ba na le bahumi ka ntlha ya bodiragatsi. A re go botlhokwa thata gore le ba ba neetsweng tiro ya go godisa bodiragatsi e re fa ba kaya diphoso tsa modiragatsi ba di papamatse ka se se tlaa thusa modiragatsi thata go godisa talente ya gagwe. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Mananeo a nyeletso lehuma ga a tsamae sentle Banni ba Makwate le Dovedale kwa kgaolong ya Mahalapye ba ikuetse mo go mothusa tona wa merero ya ofisi ya ga tautona, fa ba sa itumelele gore mananeo a nyeletso lehuma a bo a sa tsamae sentle mo metseng ya bone. Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri bosheng. Rre Security Mokubate wa Makwate a re batho ba le bantsi mo motseng ga ba akole mananeo sentle, selo se a reng se ba beile ka fa mosing. Rre Mokubate a re bangwe ba ile ithutuntshong ya go dira ga mananeo mangwe, mme fa ba tswa koo ba nna fela go se sepe se ba se dirang ka didirisiwa di le bonya go tla. O rile didirisiwa di tshwana le tsa kapei di tla ka monokela, a re mme seo se ba paledisa go akola mananeo ao. Rre Mokubate o ne a bua a sa kgwe mathe ka dipodi tsa lenaneo la nyeletsa lehuma, a re bone ele ba ba eletsang go tsaya lenaneo le, ba dira tiro ya go batla dipodi, mme e a re madi a go di reka a tshwanetse go tswa, e bo go ngodiega gore beng ba leruo ba itlhoboge. A re go tsaya lebaka go duela mong wa leruo mme seo se tsala tlhoka kutlwisisano fagare ga bone, a tlatsa ka gore seo gape se ba rontsha ditshwanelo tsa bone ka ba felela ba sa kgone go thusega go itlhotlhora lehuma. Fa a tlaleletsa mafoko a mong ka ene, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Dovedale Rre Isaiah Gaseitsewe le ene o ne a kgala tsamaiso ya nyeletso lehuma mo motseng wa bone. Rre Gaseitsewe a re go a reketla ka didirisiwa di tla ka monokela, a re seo se ba busetsa morago. O kopile gore didirisiwa tsa kago ya hoko ya dikoko le tsa ditshingwana di goroge ka nako gore morafe o kgone go itshetsa. E rile a tsibogela matshwenyego a morafe, mmaboipelego wa kgaolo Mme Pearl Molapisi a tlhalosa fa lebaka la gore dilo di bo di le bonya e le gore ba ba filweng boikarabelo jwa gore ba tlise didirisiwa ba bo ba le bonya le go dira tiro ya bone. Le fa go ntse jalo, Mme Molapisi o ne a re ba tla a leka ka bojotlhe go fefosa go isa didirisiwa. Fa a fa pego, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Makwate Mme Kedibonye Mogotsi, a re o tshwenngwa ke tsela ya Makwate, ka go sena sepe se se dirwang mo go yone. A re ga e gopiwe mme e bile ga e dirwe sepe gotlhelele. O rile ba kgokgontshiwa go menagane ka e a re tona mongwe a ba lekola, ba lephata la ditsela e bo e le gone ba gopang tsela mme mo nakong eno ga go a dirwa le fa ele sepe. Mme Mogotsi o bile a ikuela ka letlhoko la dikago tsa puso mo motseng a re bodiredi jwa kgotla bo akaretsa mokwaledi, mapodise gammogo le badiri ba temo thuo ba kopanetse ofisi e le nngwe. O kopile gore go okediwe dikago tsa puso di akaretsa diofisi, matlo a boroko a bodiredi ga mmogo le matlwana a boitiketso kwa sekolong se se botlana. Fa a tsibogela matshwenyego a bone, mothusa tona o tlhalositse fa mongwe le mongwe a na le keletso ya go bona motse wa gaabo o gatetse pele ka ditlhabololo. Rre Matlhabaphiri o rotloeditse banni go dirisa lenaneo la Ipelegeng go dira dingwe tsa diofisi, a re go ka tlisa pharologanyo mo letlhokong la diofisi. O rile motse ope fela o tshwanetse gore o nne le mananeo a nyeletso lehuma a motiya. Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Matlhabaphiri o kopile gore ba-na-le bogole ba ntshiwe kwa mahure gore ba bone dithuso tse di ba lebaganeng. O tlhalositse gore puso e na le mananeo a faphegileng a a lebaganeng ba-na-le bogole mme ka jalo a re ba na le tshwanelo ya go a akola jaaka Motswana mongwe le mongwe. Bokhutlo society 9 Tiro ya diatla e a busetsa Mme Kedirileng Manja o utliwile sentle puo ya motlapele ya gore phokoje go tshela yo dithetsanyana. Mme Manja, yo a itsegeng ka go bidiwa K.D, ke mongwe wa banana ba kgaolwana ya Matlapaneng yo o dirisang nako, bothakga le kitso ya gagwe go loga dibaga le tse dingwe go di rekisa. O tlhalositse mo potsolotsong gore tiro eo, o e simolotse ka ngwaga wa 2007, mme a re le fa go ne go sena thotloetso e e nametsang o ne a itlama letsatsi le letsatsi gore a tsweledise tiro ya gagwe ka lerato le bopelotelele. A batho basweu ke bangwe ba ba mo rotloetsang ka ba reka ka dipalo tse di kwa godimo mme o ne a tswelela ka go tlhalosa fa bothata jo a tshwaraganeng le jone ele go tlhoka ipapatso e e lolameng. “Go ipapatsa ga go nametse ka ke ikemetse ka bonosi, mme go nna botoka fela mo pakeng ya mariga mo ngwageng, ka ke yone nako e bajanala ba tlang mo lefatsheng leno ka bontsi.” Mme Manja a re o utlwisiwa botlhoko ke banana ba ba mo kgaolwaneng ya gagwe ka ba tsaya nako ya bone e ntsi ba e dirisa mo ditaging ebile ba sa tseye matsapa a go batla ditiro go bereka. O ne a tlhalosa fa mongwe le mongwe a na le kitso e e faphegileng, mathata ke gore banana ga ba na tirisano mmogo le kgatlhego ya go dira sepe. A re banana ba tshwanetse ba tshwaragane, ba dirisane go dira tiro mmogo le go tswa ka maano a ba ka itshidisang ka one, gore pharologanyo mo matshelong a bone e bonale. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Banana ba rotloediwa go simolodisa dikgwebo Banana ba Area W mo kgotleng ya Itekeng mo Francistown ba rotloeditswe go tla ka metlhale e mesha ya dikgwebo. Se se builwe ke Mmabanana wa Francistown Mme Moshabi Matshidiso kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa Francistown Botlhaba Rre Buti Billy bosheng. O rotloeditse banana bao go tsena mo dikgwebong tse di sha, a tlatsa ka gore ba lemogile gore banana ba dira dikgwebo di le dingwe fela. Mme Matshidiso a re se se dira gore dikgwebo tsa bone di seka tsa tswelela, mme dingwe di felela di phutlhame ntateng ya letlhoko le le kwa godimo la ko ba ka rekisang teng. O tsweletse a re go na le lenaneo la go tlhamela Batswana mebereko, mme ka go dira dikgwebo tsa go tlhapa batho, a tlatsa ka gore banana ba le bantsi ba tswela madi ao a P450 000 pelo. A re madi ao a fiwa dikgwebo tse di maleba ebile di supile fa di ka kgona go dira tiro ya go nna jalo. Mme Matshidiso o tlhalositse fa lenaneo leo le le teng mo go lephateng la Banana Metshameko le Ngwao, mme difomo tsa teng di isiwa fela kwa Gaborone. O tlhalositse fa madi ao a se motlhofo go ka fiwa banana, le fa go ntse jalo a fiwa bao ba ba dirang dikgwebo tse disha mo mmarakeng di tshwana le go roka dikipara, go fa meepo ditlamelo le tse dingwe. Gape o ntshitse matshwenyego a go re banana ga ba tsenelele diphuthego fa ba bidiwa go tla go utlwa ka mananeo a a ba amang, gammogo le go tsaya maele mo balekaneng ba bone a go simolola kgwebo kgotsa go e godisa. Le fa go ntse jalo, Modulasetilo wa kgotla ya Itekeng ya Ditlhabololo Rre Wililani Nteba o ne a lela ka ofisi ya ga Mopalamente a re e thusa e kgetholola. Rre Nteba a re go na le kgethololo mo setshabeng ka magolegwa a pele, mme o kopile puso go tsenya leitlho mo kgang eo. A re batho fa ba le kwa kgolegelong ba rutwa ditiro gore e re ba boela mo setshabeng ba bo ba na le tebelo pele ya go itirela ka matsogo go itshetsa. O kopile banana go sa nyema mooko mme fa ba tlhoka thuso ba kopane le ene. Fa a araba mangwe matshwenyego a bone, Rre Billy o tlhalositse fa dikgang dingwe di tshwanela ke go sa buiwa phatlalatsa mo phuthegong ya kgotla. A re fa go na le mongwe yo o sa itumelelang thuso ka ofisi ya gagwe, o ka ikopanya le ene kwa bothokong go rarabolola kgang ya gagwe. Rre Billy a re dingwe dikgang tsa go nna jalo ga di age setshaba, mme o kopile morafe go tshwaragana le go tla ka ditlhabololo mo motseng. Bokhutlo. society 9 Maloko a BCW a abela balwetse Maloko a mokgatlho wa Botswana Council of Women (BCW) a abetse balwetse kwa kokelong ya Letlhakane melora. Fa a rola dimpho tseo, modulasetilo wa mokgatlho, Mme Esther Thanke, o supile fa maikaelelo e le go thusa ba ba tlhokileng lesego ka mabaka a a farologaneng. Mme Thanke a re go aba go botlhokwa ka ebile malatsi a botsalo jwa Morena a atumetse. A re balwetse ba ba kwa dikokelong le magolegwa ba tlhoka go gopolwa ka nako e. Mme Thanke o supile fa e le lantlha ba dira tiro ya mofuta o mme ba ikaelela go tswelela ba abela balwetse le magolegwa gangwe le gape. O supile fa mongwe le mongwe mo mokgatlhong a tsisa se a sekgonang. A re keletso ya gagwe ke go bona mongwe le mongwe a tsenya letsogo mo go thuseng balwetse, bogolo thata bomme ba ba belegang. Mogolwane wa sepatela, Mme Maipelo Mmolawa o lebogile bomme ba BCW a re ba supa fa ba kgathala ka ba bangwe. A re dimpho tseo di tsesitse monyenyo mo go ba ba abelwang, ebile di dira pharologanyo mo botshelong jwa bone. health 6 ISPAAD lenaneo la mmamoratwa E ne ya re go bona bontsi jwa banana le bomme ba aperwe ke lehuma, puso ya otlolola letsogo go ka bepa seemo. Mme Lydia Mochankana wa Machana kwa kgaolong ya borwa ke mongwe wa bomme ba ba neng ba ititaya ka thupana go inaakanya le mananeo a puso. E rile fa a bua mo potsolosong le BOPA bosheng, a tlhalosa fa a ne a ikgethela go ithapa a ba a thapa le Batswana bangwe ka lenaneo la ISPAAD, le ka lone molemi a fiwang menontshane le dipeo a bo a lemelwa ditema tse tlhano ngwaga le ngwaga ntle le go lopiwa dituelo. A re e sale e re go simolodisiwa ga lone, tlala ya fetoga go nna selo sa moloba mo go ene le Batswana ba bangwe. O kaile gape fa lenaneo le le direla lefatshe leno dijo gape le tsosolositse serodumo sa temo se Batswana ba neng ba itsege ka sone mo dinakong tsa maloba mme ka jalo e bile ba ikaegile ka yone, se gape sa thusa le go tsosolosa ngwao ka dikgafela di teng ka ntata ya temo e e nametsang. A re e re ntswa e ne e le motho yo o ratang thata temo ka jaana go ikaegilwe ka yone, ISPAAD e mo isitse ga gabo ka jaana mo nakong ya gompieno a sa lemele fela go jela mo ganong mme a dira e le kgwebo go ka mo tlodisa dinoka di tletse. Fa motho a tsena mo tshimong ya gagwe o kopantshiwa ke mabele a sebethane a a kgatlhang fela thata le lebelebele tse di jwadilweng ka ditselana, di ikadile ka tshimo. A re fa go tla nako ya temo o ikanya thata go jwala ntshe, mabele, dinawa, magapu le makatane magareng ga tse dingwe ka jaana e le dijwalo tse di kgonang go itshwarelela ka dinako tsa diemo tse di sa iketlang tsa loapi, a tlatsa ka gore dijwalo tse di bogadi bo gaufi gape di na le letseno le le fa godingwana la madi ka nako ya thekiso. Mochankana o kaile fa ka lenaneo le,a ititeile sehuba go itshetsa ga mmogo le go direla lefatshe leno dijo, le gone go tlhamela Batswana ba bagwe ditiro le fa ntswa e se tsa sennela ruri. Mme yo wa sekgantshwane sa temo, a re botlhaga le bopelotelele ke tsone di mo thusang go fitlhelela maikaelelo a gagwe. O tlhalositse fa temo e le motswedi wa botshelo. “Ke rata temo ka pelo ya me yotlhe, tshimo ke yone ofisi ya me, ke dira ka gotlhe mo ke ka go kgonang fa go tla nako ya tiro ya tshimo,”o tladitse jalo. A re le fa go se kalo mo a ka go supang mo a go itiretseng,fela ka dipoelo tsa thobo ya gagwe o itiretse go le gontsi, a re o inamotse mathata a botshelo ka bontsi ka yone. O tlhalositse fa go reetsa dikgakololo tsa balemisi go mo tlodisa melatswana. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Mananeo a go nyeletsa lehuma a mosola Mananeo a a dirilweng ke goromente a tsweletse ka go tshetsa Batswana ntle le tlhaolele. Mongwe wa Batswana ba ba akolang maungo a mananeo a ke Mme Rose Manaka yo e leng monana wa monalebogole mo Selebi Phikwe. Mme Manaka o leka matshelo ka kgwebo ya go adimisa tante morago ga go thusiwa ke goromente ka lenaneo le ba Gender Affairs ba mo abetseng tante,ditilo tse di masome a matlhano, dintshwana, diforoko le digalase ka Phukwi ngwaga wa 2014. Mme Manaka o adimisa tante ya gagwe mo manyalong, mo dintshong le mo medirong e mengwe. Fa a bua mo potsolosong, Mme Manaka a re o nnile le monyetla wa go isiwa dithutong tsa go bapatsa kgwebo, go e tsamaisa le go tshwara madi a kgwebo ka tsela e e ka godisang kgwebo. Le fa go ntse jalo, a re go na le dikgwetlho tse a lebaganeng le tsone mo kgwebong ya gagwe tse di bakwang ke bonalebogole jwa gagwe ka a sa tsamae, a supa fa se se baka, gore a ise ditlamelo tsa gagwe ke gore a hire kgotsa a kope thuso mo go ba bangwe jaaka go tlhoma tante le didirisiwa tsa yone le go e tlhatswa, selo se a reng se oketsa ditshenyegelo tsa kgwebo ya gagwe. A re o na le keletso ya go atolosa kgwebo ya gagwe mme mathata a gagwe ke mabeelo a didirisiwa. A re o bona dipoelo thata ka malatsi a boitapoloso mo medirong e e mo Selebi Phikwe le metsana e e mabapi. Fa a sekaseka, Mme Manaka a re o itemogetse gore bontsi jwa banalebogole ba na le boitlhobogo le go akanya gore ka gore ba tlhokile lesego mo botshelong ga gona sepe se ba ka se dirang go fetola le go tlhabolola matshelo a bone, selo se a se kgalang a sa kgwe mathe. A re fa motho a tsaya nako a ikotlhaela diemo tsa gagwe tsa botshelo ke go dia nako ya go tswelela pele. Mme a bo a gakolola bangwe ka ene go itebelela ka leitlho la phenyo gore lefatshe le ba bone e le bafenyi. “Katlego mo botshelong ga e tlisiwe ke lesego fela, ke maduo a bonatla jwa motho le go iteka ka dinako tsotlhe go fenya dikgwetlho tsa botshelo,” a gakolola. Mme Mme Manaka o nnile le bogole jwa go tlhoka go tsamaya jo ka puo ya seeng bo bidiwang ‘Diplegia’ a le ngwaga le dikgwedi tse thataro morago ga go kentelwa bolwetsi jwa go wa (Epilepsy). Mme Manaka a re go dirisa ditalente le gone go ka tshetsa banana fela thata a supa fa a tseneletse mokgatlho wa banalebogole mo Selebi Phikwe o o bidiwang Phikwe Theatre go leka go tswakanya metswedi ya gagwe ya itshetso. A re album ya ntlha ya Gospel e e bidiwang Eseleo e gatisitse le setlhopha se se bidiwang Lentswe la Morena’ Mo go yone Mme Manaka a re go na le pina e e bidiwang Esele e a solofetseng fa e tla a gapa dipelo tsa bareetsi ba mmino wa sedumedi ka a re e na le molaetsa o o kwenneng wa sedumedi. E nngwe kgatiso ya Disco a re ke yone Kgotso e a e gatisitseng le setlhopha se se bidiwang Smoke Town, e le yone a reng e na le moribo le molodi o o jesang tsebe monate. Mogolwane wa Phikwe Theatre, Rre Kamela Kamela a re ba itumedisitswe ke bothakga ja ga Rose yo o nang le bokgoni le bopelotelele le boitshoko ja go wetsa tiro ee kana ka e a e dirileng ntle le go ipona tsapa. Dikgatiso tsotlhe di gatisitswe ke ba Nurse Audio Studio gape di tsile go supiwa e le lantlha ko Phikwe Square mo bogautshwaneng ko go solofetsweng badiragatsi ba bangwe ba banalebogole jaaka Kabo Leburu le Anafiki ba ba solofetsweng go tla go fa mafoko a kgothatso mo bananeng le banalebogole ba bangwe.BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Koporase ya motlakase e tlaa atolosa ditlamelo Mananeo a puso a ditlhabololo a NDP 10 le NDP 11 a file ba koporase ya motlakase (BPC) sebaka sa go atolosa ditlamelo tsa bone ka go di isa kwa metse e golelang teng. Mogolwane kwa ofising ya BPC kwa Lerala, Rre Keolitile Kgame o boletse mo potsolotsong fa mo kgaolong ya Tswapong Bokoni ba tlaa diragatsa thulaganyo e mo metseng e le mmalwa e akaretsa Lerala, Maunatlala le Manaledi. O boletse fa tiro eo e solofetswe go simolola mo nakong e e sa fediseng pelo, mme a re ba solofela gore ba bo ba weditse go gokela motlakase mo mafelong ao otlhe ka Lwetse. O tlhalositse fa thulaganyo eo e tlaa fa ba ba amegang, tshiamelo ya go duela sephatlo sa madi a a lopiwang go gokelela motlakase e leng dikete tse tlhano le makgolo a marataro a dipula fela jaaka mongwe le mongwe. Rre Kgame o boletse gore o na le tsholofelo ya gore bangwe ba beng gae ba tlaa thapiwa go thusa mo tirong eo, fela jaaka e le tlwaelo fa go nna le ditlhabololo mo motseng. Mokhanselara wa Maunatlala, Mme Salome Lesole o boletse fa a amogetse thulaganyo e mo kgaolong ya gagwe ka tsoo-pedi, mme a lebogela puso maiteko ao go menagane. A re ke sesupo sa gore puso e lemoga botlhokwa jwa go anamisa ditlamelo, selo se a reng se baka kgolo le tlhabologo ya metse. Mme Lesole o ne a supa fa mo kgaolong ya gagwe, kgokelo eo e tlaa ama kgotlana ya Maforaga le ditsha tse di fa morago ga diofisi tsa sepodise. O ne a tlhalosa fa bontsi jwa ditsha tseo e le tsa banana, ka jalo go le botlhokwa gore ba akole ditlamelo di tshwana le kgokelo ya metsi le motlakase. Mme Lesole o ne a kopa morafe ka kakaretso go rema ditlhare mo ditsheng tsa bone, le gore di seka tsa senya ditlamelo tse di tlang mo motseng. O ne a supa fa go tlaa nna le difatlhego tse disha mo motseng, mme a kopa beng gae go di amogela. society 9 Mokhanselara o a kgalema Mokhanselara wa Tumasera/Seleka Rre Obitseng Gabadise o kopile banni ba metse ya Tumasera le Seleka go beela dipharologano tsa bone kwa thoko mme ba tswelele le ditlhabololo tsa metse ya bone. O ne a bua jalo kwa kamogelong ya molelo wa kgolagano bosheng. A re molelo wa kgolagano o raya sengwe mo banning ba metse ya Tumasera la Seleka mme ba tshwanetse ba fetoge mme ba tshelele mo kagisong. A re molelo wa kgolagano o golaganya batho botlhe go akarediwa merafe, metse le batho ka bongwe ka bongwe ka jalo ga o a tshwanela go tsenwa ke dilabe dipe mme o tshwanetse o supe bommogo mo Batswaneng. Rre Gabadise a re go a makatsa ka dikgang tse di farologanyang banni ba metse eo ka bobedi di etelelwa pele ke bagolo ba metse eo mme se se gakgamatsang ba itse ka Modimo ka jalo ba tshwanetse ba nne fa fatshe ba ipotse gore a ba dira sentle. A re gobo molelo o kgabagantse mo metseng eo ka bobedi go raya gore ba itshekatsheke mme ba tshelele mo kagisong e e renang mo lefatsheng leno. E ne e rile go le pele fa molelo wa kgolagano o amogelwa ke banni ba motse wa Seleka go tswa kwa Ramokgonami, ga nna le ketsaetsego ya mafelo a a neng a tshwanelwa ke go tshubelwa molelo. E re ka metse ya Tumasera le Seleka e bapile thata banni ba ne ba sa dumalane ka mafelo mme go na le mafelo a ba neng ba batla go a tshubela molelo wa kgolagano botlhe. Molaodi wa kgaolo-potlana ya Mahalapye Rre Bakuedi Masole o ne a itsise banni ba Seleka fa boikarabelo jwa gore motse ofe o ya go tshuba molelo kae bo le mo go ene ka banni ga ba a dumalana ka mafelo. O ne a bolela fa a tlaa tsaya ditshwetso tse di maleba ka molelo wa kgolagano o batla kagiso e e maleba. Banni ba ne ba felela ba dumalane le ditshwetso tse di neng tsa tsewa ke molaodi. Banni ba motse wa Tumasera ba ne ba kile ba supa gore ga ba kgone go dumalana ka mafelo a go isiwang molelo wa kgolagano le ba motse wa Seleka kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke tona wa botsogo yo ebileng e le mopalamente wa bone Mme Dorcas Makgato malatsi pele fa ba amogela molelo wa kgolagano. Kwa phuthegong eo, Mme Makgato o ne a kopa banni go beela dipharologano tse di ntseng di le teng kwa metseng eo kwa thoko . BOKHUTLO society 9 Private sector contribution to education helpful Ministry of Education and Skills Development, deputy permanent secretary Mr Oupa Masesane says the ministry recognises with a lot of appreciation the contribution of the private sector and other government departments and agencies in the development and delivery of education in the country. Speaking at BOSSA-IDM 2016 National Fair Programme held at Kagiso Senior School recently Mr Masesane commended Institute of Development Management (IDM), Directorate on Corruption and Economic Crime (DCEC), Collegium Educational Publishers (CEP) and MVA Fund for great partnership and support in line with the objective of the Adopt A School initiative. He emphasised that the education system in Botswana has been experiencing a decline in performance at all levels of basic education for the past five years. “The nation is looking up to us as education practitioners to positively reverse this trend and put back the education profession to the good image that it used to be known for,” said Mr Masesane. He said the 21st century had brought a crisis in sociological thinking and therefore the education system should produce learners who will fit, participate and compete globally. Mr Masesane said the skills that learners acquired through fairs should assist them to understand how they were connected with the outside world. He added that it nurtured research and enquiry skills and encouraged students to use technology to help research an issue and construct a line of argument. Botswana Social Studies Association chairperson, Mr Moagi Mukokomani highlighted that educational fairs were important as they boosted students articulation and confidence. He also said educational fairs assisted students to communicate their view points and help them promote independent creative thinking. Mr Mukokomani urged students to work hard and to produce good results in their education. He explained that for the educational fair to be successful it was through the help and partnership with IDM, DCEC, and MVA Fund who supported them financially in order for them to achieve their mandate. He noted that social studies subject had improved both in Junior Certificate and Botswana General Certificate of Secondary Education levels. education 4 Ba Malaka ba meletsa letsholo la Kgomo Khumo mathe Letsholo le le boloditsweng kwa kgaolong ya Borwa la Kgomo Khumo le melediwa mathe ke banni ba Malaka mo kgaolong ya Legare, morago ga go itemogela bogodu jwa leruo jo bo ileng magoletsa mo motsing wa bone. E rile a lekodisa ba lekalana la dikgang, Kgosi Dikakanyo Otukile a tlhalosa fa bogodu jwa leruo bo ba apesitse kobo ka letshoba, mme bo dirwa ke banana ba motse. A re banana ba, ba gantsi ba iphitisang dino, ba butse masaka a motse wa Malaka ka fa morago, ka jalo ga go na motho yo o nang le podi le fa e le nku. A re banana ba lala ba bula masaka ba olela dihutshane mo masakeng, a supa fa ka ntlha e nngwe seo se rotloediwa gape le ke lenaneo la LIMID le le dirisiwang thata mo thekong le thekiso ya dihutshane. A re go le gantsi batho ka dikgotla ba tshwaya letshwao le le lengwe mme seo se ba direle tiro motlhofo go ka rekisa leruo kwa ntle ga bosupi jo bo nitameng. A re tshimolodiso ya Kgomo Khumo e lebega e efa batho ba kgaolo ya borwa boroko, ka maduo a yone a utlwala thata mo diromamoweng, mme a re fa e ka a namisiwa le lafatshe leno lotlhe gongwe le bone ba ka bona boroko le go rua di-tsa bone. Kgosi Otukile a re leruo le tshwana le dikgomo le lone go tshwana fela, ba le tlhabela mo masakeng bosigo beng ba robetse mme ba le rekisetse ba marekisetso a dinama kwa Palapye. A re se se tshosang ke gore botsogo jwa batho bo mo diphatseng ka ba di bolaya jalo ba sa itse fa di sa tswa go kentwa kana jang. Fa a itebaganya le dipolao tsa banana ba kgaolo a re le tsone fela jaaka bogodu jwa leruo di ile magoletsa, dino tagi di tlhakanya banana tlhogo mo ba felelang ba bolaana ba re ba mo maratong. A re go na le nnotagi e e bidiwang mahempe. A re ke yone e gogang kwa tlhogong botlhakana-tlhogo jwa banana. Kgosi Otukile a re majwala a mangwe jaaka dikhadi le a Setswana le one a nowa phetelela mo setho se sa nneng teng mo motsing. A re Bontsi jwa banana ba ba amegang ke ba ba mo magaring ga dingwaga tse di masome mabedi go ya kwa go ba ba masome mararo. A re go fetolwa ga dinako tsa marekisetso a majwala a sekgoa le gone go tlhotlheletsa botlhoka- tsebe. Kgosi o ne a ikuela mo banning ba motse wa gagwe, segolo jang batsadi go thusa go supegetsa bana bodiphatsa jwa boganana gore ga bo na maduo, ka bo ka ba senyetsa bokamoso. A re bogogi, batsad le bodiredi bo tshwanetse go tshwaraganela mathata a, ka go twe kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaganelwa gore ba godise tshaba ya ka moso e e nitameng. A re go le gantsi botlhoka-tsebe bo tla ka manokonko a a babalelang bone batsadi le bogogi jwa motse. O supa fa e rile bosheng ba boloka banana ba le babedi e le ka dipolaano tsa marato. A re seo se a tshwenya e bile se ngomola pelo. A re thuto ke yone e banana ba tshwanetseng go e tsaya tsia. O ne gape a re go fa mosekisiwa sebaka sa go letela tsheko kwa ntle go kgoreletse bosupi e bile ene mosekisiwa o felela a tshwerwe gape ka molato o mongwe wa nogodu jwa leruo. A re go botoka gore fa motho a tshwarwa a tshegediwe go fitlhelala tsheko e wela ga mmogo le ditlhotlhomiso, le fa a ne a supa boitemogelo jwa gore goy a go turela puso go tlhokomela batshwarwa. Kgosi Otukile o ne gape a galaletsa lenaneo le lesha la go ba isetsa pampiri ya dikgang ya crime_law_and_justice 1 Kgosi o kopa katoloso ya kokelwana Mothusa kgosi wa Maboane o kopile gore kokelwa ya motse oo e atolosiwe ka e le sepitlaganyane ntswa e amogela palo e ntsi ya batho. E rile a bua mo potsolosong, Kgosi Mokgele Motseonageng o supile fa kokelwana ya motse oo e se mo seemong se se nametsang ka dikago tsa teng di setse di onetse. O ne a supa fa ba sena mooki yo o belegisang mme ba dirisa kokelwana ya Takatokwane fa go tla mo go tsa pelegi. Kgosi Motseonageng o ne a supa gape fa diofisi tsa kgotla le tsone di tlhoka go atolosiwa ka jaaana kgosi a tlhakanetse ofisi le mapodisi le molemisi. Mo go tse dingwe, o ne a tlhalosa fa motse wa gagwe o sena ditlamelo jaaka poso, a kaya fa selo se se ketefaletsa banni matshelo, bogolo jang ba ba amogelang madi a bagodi le ba ba batlang go boloka madi. E rile a latlhela la gagwe, kgosana ya kgotlana ya Itlhabanele, Rre Sekasekang More o ne a supa fa ba tshwenngwa ke dikgomo tsa matimela tse di gobeang kwa merakeng ka di felela di okisa magodu a leruo. O ne a itela gape ka letlhoko la mokenti, a supa fa ba setse ba iphotlhere ka ba latlhegetswe ke leruo. health 6 Bomme ba rotloediwa go emana nokeng Bomme ba kopilwe go thusana le go rotloetsana gore ba nne le kemedi le seabe se se lekanang le sa borre mo dikgannyeng tse di farologaneng di akaretsa thuto, ditiro le tsa sepolotiki. Kwa thuto-puisanong e e neng e itebagantse le tekatekano ya bong e tshwaretswe kwa Tsabong bosheng, moemedi wa Botswana yo e leng leloko la lekgotla la SADC la maitlamo mo dikgannyeng tsa bong le ditlhabololo Mme Anna Sebopelo o kaile fa bomme ba ka nna le seabe se se lekanang le sa borre fa ba ka emana nokeng gore ba nne le kemedi. Mme Sebopelo o supile fa bomme ba na le seabe se se kwa tlase fela thata mo go tsa sepolotiki mo Botswana mme a re se se tshwenya fela thata ka se itsa bomme go tsaya karolo mo go tsamaiseng le go busa lefatshe. O supile fa bomme ba na le bokgoni ka jalo ba tshwanelwa ke go nna le seabe se se lekanang le sa borre mo dilong tse di farologaneng di akaretsa tsa itsholelo, ditlhabololo, go tlhomiwa ga melao le gone go etelela setshaba pele. O tsweletse a gatelela fa bomme ba itshupile fa ba na le bokgoni le boikarabelo ka palo e ntsi ya bone e fitlhelwa mo dikomiting tsa ditlhabololo tsa metse le go tlhokomela balwetse mme ba dira ka natla e bile ba ntsha maduo a mantle fela thata. O supile fa boemedi jwa bomme bo wela tlase fa maemo a ntse a tlhatloga jaaka mo dikhanseleng le kwa palamenteng. O rotloeditse bomme go gatoga bokgoni jwa bone mme e bile a re ba tlogele go inyatsa ba eme ka dinao go batla diphatlha mo ditirong tsa maemo tse di tlhokang maikarabelo a matona gore ba nne le tekatekano le borre mo go tlhabololeng le go tsamaiseng lefatshe leno. E re lekgotla le le ikemiseditse go tlisa tekatekano mo go tsa bong le ditlhabololo, Mme Sebopelo a re lefatshe la Botswana ga ise le saene tumalano ya go nna leloko la SADC Gender Protocol mme le fa go ntse jalo a re lefatshe leno le diragatsa maitlamo a lekgotla bogolo jang mo maitlamong a thuto le botsogo go feta le one maloko mangwe a lone. Fa a ntsha la gagwe, mongwe wa batsena thuto-puisano e, Rre Lolipop Ntwaeetsile o kgothaditse bomme gore ba eme ka dinao ba thusane go tlisa tekatekano ya bong. Rre Ntwaetsile o kopile bomme go tlogela lefufa le ditshele ka a re ke tsone tse di ba kgaoganyang jalo go dire gore ba seka ba kgona go nna le kemedi bogolo jang mo go tsa sepolotiki. O tsweletse a kaya fa seemo sa tekatekano ya bong kwa Kgalagadi Borwa, bogolo jang mo go tsa sepolotiki e tshwenya ka bomme ba le palo e e kwa tlase fela thata. A re mo dikgaolong tse di lesome le bone tsa botlhopi mo Kgalagadi Borwa makhanselara otlhe ke borre mme a mabedi a a itlhophetsweng e le mme le rre ka jalo go raya gore mme o nosi fa gare ga borre ba le 15 mo khanseleng eo. O tsweletse a re mo komiting ya ditlhabololo ya Tsabong Bophirima le Tsabong Botlhaba bomme ba 17 fa borre ba le bararo fela mme a re seo se supa gore fa maemo a tlhatloga dipalo tsa kemedi ya bomme di a ngotlega jalo a gakolola bomme gore ke bone ba ba ka fetolang seemo se ka go emana nokeng segolo jang ka go tlhopha baemedi ba bomme kwa khanseleng le kwa palamenteng ka dipalo tsa bone di feta tsa borre. BOKHUTLO education 4 Obamelang molao - kgosi Kgosi Nagano Martin wa Paje kwa kgaolong ya Legare a re banni bangwe ba santse ba tsamaya ka ditlhopha bogolo jang fa ba tswa kana ba ya masimo fa bangwe ba lesa bana ba saila mo gare ga motse. A re le ntswa molaetsa o dule gore batho ba nne mo malwapeng le gore ba seka ba nna digongwana, bangwe ba santse ba ikgatholosa se. Kgosi Martin o supile fa go setse go kile ga nna makgetho a le mantsi a gakolola banni go nna mo malwapeng ka ba ne ba saila mo motseng. A re go rena kagiso mo motseng wa gagwe morago ga gore puso e emise thekiso ya majalwa ka nakwana go itebaganya le twantsho segajaja sa COVID-19, a tlatsa ka gore le fa go ka tswa go na le bangwe ba ba rekisang bojalwa ka bokukuntshwane, modumo o o neng o tle o utlwale ntateng ya nnotagi ga o sa tlhola o le teng. BOKHUTLO health 6 Lenaneo le thusa mo-na-le-bogole E re ka puso ya lefatshe leno e ikaeletse go ntsha Motswana mongwe le mongwe mo lehumeng, ba-na-le-bogole le bone ba tsweletse ka go akola mananeo a, go tokafatsa matshelo a bone le go inamola mo lehumeng. Rre Thapediso Lesetedi ,monana wa dingwaga tse di masome a mararo le bone wa Matlapana kwa Maun yo o boneng dithuso tsa lenaneo la LIMID, o ne a abelwa dikoko tsa Setswana ka ngwaga wa 2015 di le lesome le botlhano go simolodisa kgwebo ya go rua le go rekisa dikoko tse. E rile a bua mo potsolotsong le lekalana la BOPA bosheng, rre Lesetedi o supile fa a ne a bona dithuso tse ka go tsewa ke mme mmaagwe ba etela ofisi ya ga mmaboipelego mo khanseleng potlana ya bokone Bophirima kwa a neng a felela a kgonne go fiwa dithuso tse. O ne a supa fa go le pele ane a nna fela mo lwapeng a sa dire sepe fa e se go tlhola a dikologa le meriti, lehuma le tala di itleleketse mo go ene. “Mo malatsing a no ke bereka dikoko tsa me, ke na le tiro ebile ke oba letsogo kgwedi fa e fela jaaka batho ba bangwe. Rre Lesetedi o supile fa mo nakong eno dikoko tsa gagwe di le masome a supa le boferabongwe, a re koko e le nngwe e ja masome a matlhano a dipula, mme a rekisetsa batho ka go farolagana le dikompone dingwe tsa marekisetso a dijo kwa Maun. O supile fa batho ka bontsi ba rata nama ya koko ya Setswana ebile ba reka dikoko tse mo go ene ka go bo di sa fiwe dijo tse di nang le melemo kana dichefi tse di digodisang tse di ka bakang malwetsi mo mebeleng ya batho. Rre Lesetedi o supile fa a kgona go dira makgolo a supa a dipula mo kgweding mme ebile botshelo jwa gagwe bo setse bo na le bokao le boleng ka a sa tlhole e le morwalo mo bathokomeding ba gagwe a kgona go itlhekela molora le dijo. O ne a tswelela a tlhalosa fa a na le keletso ya go atlolosa kgwebo ya gagwe a batla go rua mefuta ya dikoko tse dingwe tsa nama le tsa mae. Rre Lesetedi o supile fa a na le dikgwetho tsa diji di tshwana le dinoga le dintsa tse di jang dikoko mme seo seo ga sena go mo kgoba marapo ka a tla tswelela a tshwere ka thata. E rile a tswa la gagwe , mothokomedi wa ga Thapediso, e leng mmaagwe, mme Olebogeng Lesetedi o supile fa lenaneo le ba thusitse fela thata ka ba ne ba ngakalala go bona gore Thapediso o na le botsogo jo bo bo siameng ka seo se ne se lopa madi a mantsi. “Mo nakong ya gompieno le rona re kgona go itirela ditiro tsa rona re phuthologile ka go bo madi a a bonang ka go rekisa dikoko tse a mo thusa go reka sepe fela se a se thokang le se a se eletsang. “O setse a ipuletse bukana kwa posong e a latlhelang bonnyane bo bo salang fa a sena go rekisa, gore a tle a kgone go ithusa mo isagong,” ga bua mme Lesetedi. Mme Lesetedi o ne a gakolola ba o ba ba tshelang le ba-na-le-bogole go nna ba tsenelela diphuthego tsa kgotla le go kokota mo diofising tsa puso gore batle ba kgone go bona dithuso. “Nako ya gore bana-le-bogole ba bewe kwa mahuring kana ba fithwe ka e le matlhabisa dithong e fitile, batsadi barwale dithako ba kope mananeo a puso ka go bo puso e tlhapolotse seatla” ga bua mme Lesetedi. BOKHUTLO society 9 Megokgo e abela motlhoki Megokgo ya dikolo tse di kgolwane e supile mowa wa kutlwelo botlhoko ka go agela Mme Ontibile Tshoganetso ntlo ya dikamore tse pedi le ntlwana ya boitiketso le ntlwana e go apeelwang mo go yone kwa Mogapinyana. Mme Tshoganetso yo o nang le bana ba le babedi le bana ba bana ba le babedi o ntse a sena fa a tshabelang diphefo le dipula le teng. E rile bosheng megokgo ya dikolo ba fetola seemo sa gagwe ka ponyo ya leitlho, ba mo fa seriti gore le ene a tshele jaaka Motswana mongwe le mongwe. Fa a rolela mme yoo ntlo eo bosheng, Dr Joseph Tsonope yo o kileng ya bo e le motlhathelela dithuto kwa mmadikole mme gompieno e le mothusa modulasetilo wa khansele e tsamaisang ditlhatlhobo, o akgotse megokgo ya lefatshe leno go bo ba supile mowa wa kutlwelobothoko le lerato ka go agela Mma Tshoganetso ntlo. Dr Tsonope a re mowa o wa go thusana ke ngwao ya Batswana ka gore le bone ba gola ba fitlhela go ntse go thusanwa ka go abelana dimpho le mo manyalong tota, ka jalo ga go a tshwanela go itlhokomolosiwa gore mowa wa go aba o seka wa nyelela. A re Tautona wa lefatshe leno Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama o tshwanelwa ke go lebogelwa go rotloetsa gore Batswana le dikompone le setshaba ka kakaretso ba thuse ba ba tlhokileng lesego. Dr Tsonope o tsweletse ka go re megokgo ba supile gore lefatshe leno ke la bone mme go sena ope yo o ka tswang go sele a tla go le tlhabolola. A re ba phimotse ntho e e kileng ya nna teng e leng dikgoberego tse di kileng tsa nna teng mo ngwageng o o fitileng tsa ngalo ditiro mme jaanong ba tsweletse ka go direla lefatshe la bone ka bonatla le botswerere. Fa a tswa la gagwe Rre Lapologang Kolagano yo e leng modulasetilo wa megokgo o tlhalosiste fa ba simolotse go aga ntlo e mo ngwageng oo fitileng morago ga fa ba sena go tshwara phuthego ya bone kwa Palapye mme ba itshwaraganya le ba ofisi ya boipelego gore ba ba bontshe yo o tlhokang go agelwa ntlo mo motseng wa Mogapinyana. Raboipelego wa motse oo Rre Baoketsi Bagwasi o ne a leboga megokgo ya dikolo mpho e ba e tsisiitseng mo motseng wa Mogapinyana, a re e tlaa solegela molemo Mma Tshoganetso le bana ba gagwe. BOKHUTLO society 9 Ba tlhagisitswe ka tiriso ya facebook Banni bangwe ba Tonota ba lebogetse kgakololo e e sa tswang go ntshiwa bosheng ya gore fa motho a go tlhapatsa le fa a ka tswa a dirisa maranyane a tshwana le a Facebook ke molato. E rile a fa a tlhalosa ka molao o, mookamela lekalana la kanamiso mafoko la sepodise, Rre Christopher Mbulawa, a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go gakolola setshaba ka molato wa go nna jalo a bua a itebagantse thata le batho ba ba dirisang maranyane a Facebook go dira molato o. Rre Mbulawa o buile se mo thulaganyong ya Masaasele mo seromamoweng sa Botswana bosheng. E rile a tswelela, o ne a tlhalosa fa bone e le ba sepodisi ba itemogetse ditiragalo dingwe tse di fatlhang mo tsebeng nngwe ya inthanete ya Facebook. O ne a tlhalosa gore go latola motho a tshela mo Facebook ke molato o e leng gore motho o ka o ela kgolegelong bogolo jang fa yo o latotsweng a ka tsaya kgato ya go mo sekisa. Go sale foo, Rre Mbulawa o ne a kaya gape gore go latola motho e le gone a tlhokafalang ba lesika ba ise ba itsisiwe le gone ga se selo se se siameng, e bile e se setho. A re le ntswa go ise go nne le molao oo tlhamaletseng mabapi le seo, Batswana ba tshwanetse go nna le mowa wa setho, ba ipeye mo seemong sa ba ba tlhokafaletsweng. E rile a tlatsa mafoko a ga Rre Mbulawa, mothusa moanamisa mafoko, Rre David Mosetse a tlhalosa fa molato wa go tlhapatsa motho e le molao o o ntseng o le teng ka jalo batho ba seka ba tsaya gore fa ba dirisa maranyane a Facebook le Twitter go tlhapatsa batho ba ka se tseelwe dikgato. A re ba ba tlhapaditsweng ba tshwanetse go itse gore ba nale tshwanelo ya go sekisa batho bao, a tltsa ka gore bone e le ba sepodise ba tlaabo ba dira ditlhotlhomiso go tshwara batho ba go nna jalo. Rre Mosetse a re go le gantsi batho bao ba dira jalo ba ithaya bare ba iphitlhile. O ne a tlhalosa fa bone e le ba sepodise ba na le ka fa ba dirang ka teng go lemoga gore motho o romela melaetsa eo a le kae. O buile jalo a tlhatswa kgang ya gore batho bangwe ba kgona go dira ditiro tse ba dirisa maina a e seng a bone. A re bone e le ba sepodise ba kgona go fiwa tetla ya go bereka le ba ditlhaeletsanyo go batlisisa gore motho ke mang le gore o romela molaetsa a le kwa kae. Rre Mbulawa o ne a tlhalosa fa go supa ditshwantsho tsa batho ba sa ikatega mo Facebook le gone e le molato. A re go nale bangwe ba ba kgonang go supa ditshwantsho tsa motshikinyego tsa nako e khutshwane tsa batho ba tlhakanela dikobo mme a re batho ba go nna jalo ba tlaa tseelwa dikgato. Rre Mbulawa o ne a gakolola setshaba fa motho a na le thata ya go sekisa motho fa a mo sentse leina a dirisitse maranyane a Facebook. E rile a tswa la gagwe mo potsolotsong, Mme Kebonye Rasegojwa wa dingwaga tse di masome a matlhano le boraro, wa motse wa Tonota, o ne a tlhalosa fa a lebogetse kgakololo eo ya ba sepodise ka a re o itemogetse dilo tse di fatlhang mo Facebook. A re bana ba dirisa maranyane a botlhaswa, a tlatsa ka gore o ngomolwa pelo segolo bogolo ke ba ba latolang batho pele ga ba lesika ba ka itsisewe. Rre Kabo Oaitse wa dingwaga di le masome a mabedi le bongwe le ene o ne a supa tebogo ka a re ene e le monana, o kopana thata le batho ba ba dirisang maranyane a botlhaswa, bogolo jang ba ba supang ditshwantsho tsa batho ba sa ikatega. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Modulasetilo o akgola khansele Modulasetilo wa khansele ya Bobirwa, Rre Nathaniel Moribame a re khansele e dirile go le gontsi mo ngwageng wa 2016 ntswa go ne go na le dikgwetlho. Rre Moribame fa a bua kwa moletlong wa mafelo a ngwaga bosheng kwa Bobononga re o leboga bodiredi ja khansele ga mmogo le ja sepolotiki ebong makhanselara go dira ka natlale fa go ne go na le dikgwetlho di tshwana go tlhaelelwa ke ditsompelo. A re le fa go ne go na le tlhaelo, khansele mo ngwageng wa madi wa 2016/17e kgonne go aga matlo le go a fetsa ka nako a le masome a mararo le boraro a batlhoki le kwa banni ba metse e e kgakala le ditlhabololo e bile a filwe beng ba one. Rre Moribame yo gape e leng mokhanselara wa Molalataua re khansele gape e kgonne go fetsa matlo a le borobabongwe a a neng a saletse kwa morago a ngwaga wa 2012 a batho ba ba neng ba amilwe ke dibetso tsa tlholego le a tlaleletso ale matlhano mme otlhe a abetswe beng ba one. Mokhanselara Rre Moribame a re khansele eo e dirisa madi sentle e bile e aga matlo a mangwe a tlaleletso a banni ba metse e e kgakala le ditlamelo (RADP) a le marataro, tiro e e supang fa e sa ntse e tsweletse. O supile fa ditlhabololo tse dingwe di akaretsa kgokelo ya dipompo tsa metse go tswa kwa letamong la Thune e tsweletse sentle, go baakanya ditsela mo kgaolong le gone go tsamaya sentle. Rre Moribame o tlhalositse fa go baakanya tsela ya Bobonong-Lekkerport go tsweletse sentle e bile go le gaufi le go fela, go tsenya ditlamelo kwa ditsheng tse disha tsa Malepane kwa Bobonong le Phase 1 kwa Mmadinare go fedile. Go baakanya tsela ya boleele ja 1km mo Bobonong le yone e tsamaya sentle le yone e le gaufi le go fela. Fa a ama ditiro tse di dirwang ka lenaneo la go tsosolosa itsholelo la ESP a re go baakanya matlo a bonno ja barutabana, dikago tsa borutelole motlakase le tsone di tsweletse sentle kwa dikoleng tse dikgolwane tsa Mosetlha le Tsetsebye. Rre Moribame a re mananeo a go tlhabolola matshelo jaaka la ipelegeng, la banana la Youth Development Fund, LIMID le la nyeletso lehuma le one a gatetse pele. Modulasetilo Rre Moribame o ne gape a supa fa makhanselara e le bagakolodi fa bodiredi jone e le ba ba fang dikitso mme botlhe maikaelelo a le mangwe a go thusa sechaba sa kgaolo ya Bobirwa. Fa a tswa la gagwe mokwaledi wa khansele Mme Gomolemo Moepeng a re go lebanye go re khansele potlana ya Bobirwa e tshware moletlo wa mafelo a ngwaga gore ba leboge botlhe ba ba dirisang le bone jaaka bagwebi baba ikemetsengka nosi, maphatla a puso ajaaka la kabo ditsha, ofisi ya molaodi, lephatla la makgotla a Setswana (Tribal Administration) a a ba thusang go isa ditlamelo kwa metseng e le lesome le bosupa. economy_business_and_finance 3 Ba gakololwa go dirisa lenaneo la SHHA Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Kgosietsile Mooketsi, o kopile Bakgatla go dirisa lenaneo la SHHA go ikagela matlo. Fa a lekodisa banni ka ditlhabololo tsa khansele tse di saletseng kwa morago le go ba laela pele ga go iwa ditlhophong, modulasetilo o boletse fa mo lenaneong la SHHA moikopedi a fiwa P60000 mme a sa lopiwe morokotso. O tlhalosa fa go na le le lengwe le mo go lone moikopedi a kopang P45 000 fa a eletsa go tokafatsa ntlo kana go e atolosa. Modulasetilo o tlhalositse fa moikopedi a tshwanetse go duela madi ao mo dingwageng tse di masome mabedi, mme a supa gore fa madi ao a sa busiwe ka nako, moikopedi o lopiwa morokotso. Rre Mooketsi a re o tshwenngwa ke gore go na le bangwe ba ba sa dueleng madi ao. Mo go tse dingwe, o supile fa ba kgonne go aga matlo a borutelo le boroko jwa barutabana mo dikoleng ka go farologana, a tlhalosa fa seemo e ne e le se se ngomolang pelo ka bana bangwe ba ne ba rutelwa ka fa tlase ga ditlhare. O supa fa ba setse ba kgonne go aga lefelo la ditima molelo le a bolelang fa le setse le le mo tirisong. A re ba kgonne go reka dikoloi tse di dirisiwang ke babereki, e nngwe ke e e timang melelo kwa sekgweng fa e nngwe e le ya mo matlong. Rre Mooketsi o boletse gore ba rekile koloi e e dirisiwang go falotsa batho fa ba le mo kotsing e bile le bodiredi bo le teng le fa bo sa ntse bo tlhaela. O tlhalositse fa ba kgonne go aga lefelo la itloso bodutu le maikaelelo a lone e leng go ngoka bajanala gore khansele e kgone go dira madi gore e dire ditlhabololo. A re ba kgonne go dira tumalano le khamphani ya Amerika e e tlaa bong e dirisa lefelo la matlakala la Pilane go fetlha motlakase ka matlakala ao mme a supa fa seo se tsile go tlhamela bangwe mebereko mo Kgatleng. O boletse gore le fa diofisi tsa kgotla di ne di le mo lenaneong la ditlhabololo, ga go a kgonega gore di agwe ka ntlha ya kwelo tlase ya itsholelo mme le fa go ntse jalo go setse go ntshitswe madi a a tlaa rekang dikharabene tse di tlaa bong di dirisiwa go fitlhelela go agwa diofisi. Le fa go ntse jalo, modulasetilo o boletse fa bangwe ba ba neng ba nna go bapa le kgotla ba nnile maoto a tshupa go fuduga ntswa ba ne ba kopilwe go suta go ise go nne le kwelo tlase ya itsholelo. Banni ba lebogetse ditlhabololo tse di dirilweng ke khansele. Rre Joseph Setlhabi o boletse gore le fa ba fiwa ditsha ga di na ditlamelo di akaretsa metsi, ditsela le motlakase, jalo a kopa khansele go tsibogela seemo seo Rre Rapula Molefe ene a re o tshwenngwa ke matimela ka khansele e na le go a tsaya fela le ntswa e bona tshipi ya mong mo dikgomong, jalo o ba kopile go nna ba ikgolaganya le beng ba dikgomo fa di na le tshipi. Bokhutlo society 9 Ditlhabololo di tlhoka tshwaragano Mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Tlamelo Mmatli a re ditlhabololo tsa Molepolole di tlhoka go tshwaraganelwa ke botlhe ntleng le mebala ya diphathi tsa sepolotiki. Rre Mmatli o buile jaana mo phuthegong ya kgotla e mapalamente a Molepolole ka bobedi ba neng ba e buisa ka Matlhatso. Phuthego eo, e dikgang tsa yone di neng di remeletse segolo bogolo mo letlhokong la metsi le le aparetseng motse, mopalamente Mmatli o gateletse botlhokwa jwa go rarabolola kgang ya letlhoko la metsi a kaya gore, fa metsi a seyo, sengwe le sengwe se a ema. Rre Mmatli a re metsi fa a seyo a kgoreletsa ditlhabololo di tshwana le tlhabololo ya ditsha tse disha. Mopalamente o akgotse setlhopa sa banana ba Molepolole ba ba ikemiseditseng go lwantshana le tharabololo ya dikgang tsa letlhoko la metsi. Rre Mmatli a re banana bao ba seka ba lejwa ka leitlho le sele ka ba se mo letlhakoreng lepe la sepolotiki mme maikaelelo magolo a bone e le go emela ditlhabololo tsa motse wa bone ka dinao. E rile a bua ka tsela e e ralalang motse, e e neng e tshwanetse go dirwa ka lenaneo la tsosoloso itsholelo, a tlhalosa fa jaanong e tsentswe mo ditogamaanong tsa NDP11. Le fa go ntse jalo, a re tsela eo, gammogo le ditlhabololo tse dingwe tse ba neng ba di solofeditswe jaaka kgopho ya metsi a a leswe, diofisi tsa sepodisi le tse dingwe le tsone di tsentswe mo NDP 11. O kaile fa tse tsotlhe e le dikgang tse di sa jeseng diwelang ka gore ditlhabololo tsa Molepolole di saletse kwa morago thata. Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Mahommed Khan a tlhalosa fa mapalamente oo mabedi ba lekile ka thata go batla ditharabololo tsa metsi a a tlhaelang mo Molepolole. O tlhalositse fa ba tsweletse ka go buisana le tona yo o lebaneng le ba Water Utilities gore sengwe se dirwe mo bogautshwaneng mme maduo a tlaa akolwa mo lebakeng le leleele. A re mo dikgannyeng tse dintsintsi tse di tlhalositsweng e le mabaka a a dirang gore go bo go na le tlhaelo ya metsi jaaka go kgala ga didiba tse di neng di ntsha metsi a mantsi le go tlhoka go gokelwa ga didiba tse thataro tse di emisetsang tse di kgadileng fa go nankolwa di se kae, go kgonnwe dilo dingwe. A re ba Water Utilities ba dumetse gore e tlaa re monongwaga ka Phukwi ba bo ba kgonne go gokela Thamaga mo phaepheng e e tswang bokone mme se se tlaa dira gore metsi a a neng a sielwa motse oo, a oketse metsi a a tlaa sielwang Molepolole. A re ba dumetse gore fa ba santse ba emetse tharabololo ya sennela ruri, go tlaa okediwa ditanka tsa dijojo mo motseng go bo go rekwa dikoloi tse di rwalang metsi go tshela mo ditankeng tseo. Mopalamente Khan a re ba kopile gore koporase ya metsi e oketse badiri ka gore go na le tlhaelo ya bodiredi e ntsi. A re motlhang go dirwang kgopho ya metsi a a leswe, ba koporase ya matlo ba dumetse go aga matlo a le masome mabedi le botlhano kwa Mokgopeetsane. Le ene o iteetse kobo moroko mafoko a ga Mopalamente Mmatli gore ntleng le metsi, ga gona jaaka motse wa Molepolole o ka tlhabologa e bile Bakwena ba tswa kgakala ba le ka fa mosing mo mererong ya ditlhabololo. E rile ba akgela, Bakwena ba ne ba ngongoregela go bo motse wa bone o le kwa morago ka ditlhabololo e bile ba lopa gore puso e tlhalose gore ke ka go reng phaephe e e tswang bokone e fapositswe ka go ne go le mo ditogamaanong gore phaephe eo e tsile go nosa motse wa bone. Bangwe jaaka borre Ofentse Ithuteng o supile fa metsi a a nowang mo Molepolole a le letswai e bile a tletse kalaka. Ka jalo, o kopile puso gore e dire madirelo a a tlhotlhang e bile a tlhatswa metsi gore batho ba nwe metsi a a siameng. Mo go tse dingwe, ba-tsaya karolo mo phuthegong eo, ba ngongoregetse gore dirukutlhi di a tshwarwa mme di bo di gololwa ka ponyo ya leitlho mme ba fete ba dire melato e mengwe, ba re go dira jalo go baya matshelo a batho mo diphatseng ka go supa fela fa ba sa babalesega mo dirukutlhing. politics 7 Mogolwane o kgothatsa banana go tlhokomela dikgwebo Mogolwane mo lephateng la go neela banana dithata, metshameko le tlhabololo ngwao mo Kanye, Mme Malebogo Mosala o rotloeditse banana go tsaya lenaneo la bone ka tlhoafalo. A re bontsi jwa dikgwebo tsa banana di phutlhame gonne ga ba na kitso le botlhale jwa go di tsamaisa. E rile a bua le BOPA, Mme Mosala a re go tswa ka 2009 lenaneo le simolola go fitlha ka ngwaga wa madi wa 2017/18, go setse go thusitswe banana ba le 256 mo kgaolong ya Kanye go ipulela dikgwebo, fa dikgwebo tse 37 di phutlhame mme tse 199 di bereka e bile di ntsha maduo. A re bontsi jwa dikgwebo tsa banana tse di dirang sentle ke tsa leruo e leng dihutsane, dikgomo, le dikoko, ka jaana kgaolo ya Kanye e na le phulo e ntsi. Mme Mosala o tlhalositse fa ba lekola dikgwebo tsa banana go bona fa di tsamaya sentle, mme se se ba thusa go itse matshwanyego a bone le gore ba ka ba thusa jang. A re lephata la gagwe le tsile ka thulaganyo ya go lekola dingwebo di le lesome kgwedi le kgwedi mo kgaolong nngwe le nngwe. O buile fa go dira jalo go le mosola gonne ba amogana megopolo le banana go ba thusa e le lephata gore ba ka tokafatsa fa kae. Mme Mosala o tlhalositse fa bontsi jwa dikgwebo di phutlhama gonne beng ba tsone ga ba na lorato mo go tsone. O tlhalositse fa ba itemogetse gore bontsi jwa banana ga ba dire mokwalo wa go ikopela lenaneo mme ba reka mo go ba bangwe mme morago moikopedi a palelwe ke go tsamaisa kgwebo ka jaana e se ene a neng a dira mokwalo wa tsamaiso ya kgwebo. O gwetlhile banana go ikemela ka dinao gonne ga go motlhofo go bula kgwebo, a tlhalosa fa kgwebo e tlhokana le tlhokomelo gore e tsamae sentle. Mme Mosala o gakolotse banana go itse fa kgwebo e se motshameko gonne e tletse dikgwetlho mme e tlhoka tlhaloganyo ya go bona gore o ka di lwantsha jang. O buile fa lorato le bopelotelele e le tsone di agang kgwebo gore e ntshe maduo. A re ba lemogile fa bontsi jwa dikgwebo di phutlhama gonne beng ga ba di tlhokomele. Mme Mosala o gwetlhile banana go ikgobokanya go bula kgwebo mmogo gonne go tsamaisa kgwebo lo le bantsi go botoka ka le thusana ka dikakanyo fa seemo se le bokete. O ne gape a tlhalosa gore fa le tsamaisa kgwebo le le bantsi, le amogana megopolo e e ka thusang kgwebo go ya pele ka e bile Motswana a re setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata. A re fa banana ba ikopanya go bula kgwebo ba ka thusiwa ka P450 000 go ya kwa godimo. Mme Mosala o tlhalositse fa banana ba kopa madi go bula dikgwebo fela ka gore ba na le tshwanelo eo, mme ba sena tlhaloganyo ya go tsamaisa kgwebo mme se se dire gore kgwebo e phutlhame. A re puso e ntsha madi go thusa banana mme go tlhabisa ditlhong go bona bontsi jwa banana bo sa dirise sebaka seo go fetola matshelo a bone. O buile fa banana ba le maoto a tshupa go duela madi a ba thusitsweng ka one gore lephata le kgone go thusa ba bangwe. O gwetlhile bagwebi ba babotlana go dumela gore ke bone fela ba ba ka fetolang matshelo a bone e bile gape ba ka isa itsholelo ya Botswana golo gongwe. O ba kopile go tla ka methale e mesha ya go tsamaisa dikgwebo gore ba kgone go tsena mo mmarakeng. Mme Mosala o kopile banana go kopa thuso fa ba e tlhoka gonne lenaneo le le diretswe go fetola matshelo a bone. economy_business_and_finance 3 Lekgotla le emisa go amogela dikopo Makgolokgolo a batho ba ba ikopelang ditsha tsa masimo kwa Mokoswane ba pateleditse badiri ba lekgotlana la kabo ditsha la Mahalapye go emisa go amogela dikopo go fitlha ngwaga o o tlang. E rile mo mosong wa Labobedi batho ba ka tshwara makgolo a mane ba tsena ka dikgoka mo lefelong la diofisi tsa lekgotlana la kabo ditsha pele ga metsotso e le masome a mararo go tlogela nako ya bosupa. Batho bao ba supile banni ba motse wa Mokoswane ka monwana ka se ba se biditseng go dirisa semorafe fa go abiwa lefatshe la morafe. Ba re e re ntswa melawana ya makgotla a kabo ditsha e letlelela Motswana mongwe le mongwe go ikopela setsha gongwe le gongwe kwa a ratang teng, ba gakgamaditswe ke go bona batho ba Mokoswane ba gana go ba abela lefatshe ka seipato sa gore lefatshe leo ke la bana ba bone ntswa ba ntse ba na le ditsha tse dingwe kwa kgotleng ya Xhosa 1. Rre Titus Tjivesera wa Mokoswane a re e re ntswa ba se kgatlhanong le go abela batho ba ba tswang mo dikgaolong di sele ditsha tsa masimo kwa Mokoswane, ba eletsa lekgotlana la kabo ditsha le ka sekasekela bana ba motse wa Mokoswane pele ga go ka abelwa ba ba tswang kwa metseng e mengwe. Rre Tjivasera a re e re ntswa ba robetse mo kgorwaneng ya diofisi tsa lekgotlana la kabo ditsha, o tshwenngwa ke gore batho bangwe ba ne ba ba tsenelela fa go bulwa mo mosong wa Labobedi. Modulasetilo wa lekgotlana la kabo ditsha, Mme Abelaibe Dikgang a re ka ntlha ya mosuke le dipalo tse dintsi tsa batho ba ba ikopelang ditsha tsa masimo, ba tsere tshwetso ya go emisa go amogela dikopo go fitlhelela ngwaga o o tlang ba sena go kopa dikgakololo mo go ba lekgotla legolo la kabo ditsha la ga Mmangwato kwa Serowe. Mme Dikgang o rile le fa maikaelelo e ne e le go amogela dikopo gone ka Labobedi, ba dumelane go emisa go amogela dikopo tseo ka jaana batho ba ba di kopang ba tshwara dikete tse pedi fa ditsha tse di tshwanetseng go abiwa tsone di le masome a mane le boraro. A re bontsi jwa batho ba ba neng ba ikopela go bewa ke banana ba ba tswang kwa metseng ya Mookane, Pallaroad, Kudumetse, Mahalapye, Shoshong, Taupye, toropo ya Francistown le Gaborone. Mabapi le dikgang tsa gore go dirisiwa semorafe go aba lefatshe kwa Mokoswane, Mme Dikgang o tlhalositse fa magatwe ao a sena boammaaruri ka jaana mongwe le mongwe yo eleng Motswana a na le tshwanelo ya go bewa gongwe le gongwe kwa a ikopelang setsha teng go sa kgathalesege gore ke wa letso lefe kana kgaolo efe. BOKHUTLO society 9 Ba kopiwa go tlhagafalela mananeo Tona wa temo-thuo o kopile banni ba Werda kwa kgaolong ya Kgalagadi go dirisa mananeo a puso gore ba intshe mo lehumeng. O buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla e a neng a e tshwere kwa motseng o o ka Labotlhano. Tona o boletse fa maikaelelo magolo a mananeo e le go namola Batswana lehuma mme ka jalo le bone ba tshwanetse gore e re ba sena go a neelwa ba a tshware ka maatlametlo. Rre Ralotsia o supile fa go tsaya lenaneo a bo o sa le dirise jaaka go dumalanwe e le tshenyetso setshaba. Kgosi Keleohile Phihadu wa Werda ene o ne a bolelela tona gore ba itumelela mananeo a puso ka jaana a tlhamela batho ditiro le gone go ba ntsha mo lehumeng. O supile fa motlhala wa mananeo o papametse mo go ba ba a tshwarang sentle mme a ngongorega gore sebe sa phiri ke gore bangwe ba tsaya mananeo ao mme ba a tshware ka ntlha tsa menwana. Tona wa temo-thuo a re kgang e kgosi a e buwang wa e itse ka jaana o tlhola a bona batho ba latlheletse dilo di tshwana le menontshane e ba e abelwang go e dirisa mo temong ka ba tsaya gore ke dilo tsa mahala. O ba boleletse gore ga go na sepe sa mahala se se tswang mo pusong ka jaana go abo go dirisiwa madi a setshaba mme ka jalo le bone ba tshwanetse go emisa mokgwa wa go neela tshwene marapo ka gore ga gona yo o itseng gore puso e tlaa kgona go ntsha dithuso tseo go fitlhelela leng. O tsweletse ka go bolelela badirelapuso gore le bone ba tshwanetse go thusa batho ka nako mme e bile ba ntsha dithuso tse di feletseng. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Tuelo Kesenkile o supile fa ba itumeletse gore puso e bo e fokoditse ditlhwatlhwa tsa dijo tsa leruo le gone go ba tsisetsa dikantoro tsa Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) ka di rekisa sengwe le sengwe se ba se tlhokang. O kopile tona gore puso e ba thuse ka matlo a badirelapuso a tlhalosa fa seemo sa letlhoko la boroko se tshwenya bobe ka gore badirelapuso ba felela ba sa kgone go tla go berekela mo motseng wa bone mme se se kgoreletse go isa ditlamelo kwa bathong. Tona o boletse fa letlhoko la boroko le ka arabiwa ke bone ka go aga matlo, a tlhalosa fa puso e le malala a laotswe go ka hirisetsa bodiredi mo go bone, a tlatsa ka gore thulaganyo e e ka ba thusa le ka go nna le seabe mo go tlhabololeng motse wa bone. BOKHUTLO society 9 Ba le bararo ba golotswe Makaseterata wa Molepolole, Rre William Modise o ntshitse taolo ya gore borre ba le babedi go tswa mo go ba batlhano ba basekisiwa, ba na le kgang e ba tshwanetseng go e arabela fa pele ga lekgotla mabapi le molato wa go tsoma ba bo ba bolaya phologolo ya naga e e sireleditsweng. Makaseterata Modise a re morago ga go sekaseka kgang e, o ne a lemoga fa bosupi jwa puso bo tsepame go na le jwa baiphemedi mme Oeme Dithapo wa dingwaga tse di 39, wa kgotla ya Mokati kwa Takatokwane, Diphetogo Kebarutile wa dingwaga tse 35, wa Ditshegwane le Bareedi Babui wa dingwaga tse 29, wa Salajwe, ba sa tsaya karolo mo molatong o ba o lebisitsweng, kwa ntle fela ga gore bone ba ne ba thusa mo go bueng phologolo. “Go tlaabo go sa siama gore basekisiwa ba bararo ba ke setseng ke ba nankotse ba arabele molato oo ka gore, le bosupi jwa puso ga bo kae fa ba tsere karolo mo molatong ntle fela le go tsaya karolo mo go buiweng ga phologolo eo. Se se rurifatsa fa ba fitlhetse molato o setse o dirilwe o eleng go tsoma le go bolaya,” Mmakaseterata Modise a tlhalosa. O ne a golola basekisewa ba bararo bao mme a tlhalosa fa Ketlogetswe Morupi wa dingwaga tse 38, wa moraka wa Mothate le Ponego Motlhabane wa dingwaga tse 32, wa kgotla ya Mabudi kwa Takatokwane, botlhe ba sa bereke, bone ba tla arabela molato wa go tsoma ba bo ba bolaya photi. Go ya ka ba bosekisi, e ne ya re kgwedi ya Sedimonthole ele malatsi a le masome a mabedi le bobedi, kwa morakeng wa Dikole mo kgaolong ya Kweneng, basekisiwa ba dumalana mmogo, ba ne ba tsoma ba bo ba bolaya go se ka fa molaong photi, e e leng nngwe ya diphologolo tse di sireleditsweng ka molao wa diphologolo wa Botswana e bile ba sena teseletso ya go bolaya phologolo eo. Rre Modise o ne a tlhalosetsa Morupi le Motlhabane fa ba na le tshwanelo ya go itlhopela go ntsha bosupi jo bo ikanetsweng kgotsa bo sa ikanelwa kana go didimala fela. “Masupi ao otlhe a na le bokete jwa one. Mo bosuping jo bo sa ikanelwang mosekisiwa ga a botsolotswe ke ba bosekisi kgotsa lekgotla, fa jo bo ikanetsweng ele jone bo tsewang bo tlhomame ka gore mosekisi kgotsa lekgotla le a botsolotsa go rurifatsa kgang. Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore a mosekisiwa o file bosupi kgotsa nyaa, o na le tshwanelo ya go ipiletsa basupi fa a batla,” Mmakaseterata Modise a bolela. Basekisiwa boo babedi ba ne ba bolelela lekgotla fa ba tlaa fa bosupi jo bo ikanetsweng. Morupi o ne a re o tlaa bitsa mosupi a le mongwe fa Motlhabane ene a re o tlaa bitsa ba le bararo. Kgang e etla tswelela gape kgwedi ya Motsheganong e le malatsi ale lesome le boferabongwe. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Motsumi o tla a emela Palapye kwa BDA E rile bosheng banni ba Palapye ba tlhopha Mme Iponeng Motsumi go ya go ba emela kwa lekgotleng la Bamangwato Development Association (BDA) le le agilweng ka metse ya Palapye. Mahalapye, Radisele le Pilikwe. E rile a rolela setshaba ka tlhopho eo, mothusa molaodi wa kgaolwana potlana ya Palapye Mme Segametsi Koontse a tlhalosa fa a diragatsa thomo ya tona wa dikgaolo le tlhabololo magae yo o kopileng gore go tlhophiwe motho ale mongwe kwa Palapye go ya go emela morafe kwa lekgotleng la BDA. Le fa go ntse jalo, Rre Klaas Motshidisi o ne a botsa gore a mokwalo wa kwadiso ya gore BDA e nne trust o santse ole mo tirisong ka o ne o tlhalosa fa go tshwanetse ga tlhophiwa maloko a le mabedi motse mongwe le mongwe. Botswana Development Association ke lekgotla le le bopilweng ka bo 1956 go emela metse ele mene ka maikaelelo a go tlhabolola metse eo ka se se tla a bonwang mo go tse lekgotla le nang le tsone. Go lebega fa mathata a kgang ele gore metse e mene eo e tlhakanele ditlhabololo tsa lekgotla la BDA ka ba Pilikwe ba supa fa jaanong ba batla go fetolela leina leo kwa go Pilikwe Development Association, fa metse e mengwe e meraro le yone e supa fa e na le seabe mo dithotong tsa lekgotla la BDA. Go nna teng ga lekgotla leo ene ele maikaelelo a gore morafe o anywe meamuso e lekgotla le e bonang ka ditsela tse di farologaneng, mme e ne yare fa puso e bona gore lekgotla le wela ka lemena ya tsenya letsogo go thusa morafe ka jalo lekgotla la tsoga ga bo ga somarela tse di neng di santse di le teng ka nako eo. Kgang e e tsogang jaanong ke fa puso e kopa lekgotla go itsamaisetsa, kgotlhang e tsalwa ke gore ke eng lekgotla le tshwanetse go akaretsa metse e mengwe e meraro le sa lebaganngwe fela le motse Pilikwe. BOKHUTLO politics 7 Tona o akgolela UCCSA go lwantsha kgokgontsho Tona wa lephata la Dipalamo le Ditlhaeletsano, Rre Thulagano Segokgo, a re kgokgontsho e na le ditlamorago tse di kgoreletsang tswelelopele. Tona Segokgo, yo gape eleng mopalamente wa Tlokweng, o buile jalo ka Sontaga fa kereke ya UCCSA kwa Tlokweng e ne e supa seabe sa yone mo go lwantsheng kgokgontsho ya bong. A re o itumelela tshwaragano ya kereke ya UCCSA le mokgatlho wa Council of World Mission, le go tsaya boikarabelo jwa go tsaya karolo mo go lwantsheng kgokgontsho ya bong. O supile gore bana ba na le tshwanelo ya go tshela, ba sa kgokgontshiwe ka tsela epe. Rre Segokgo o tsweletse a tlhalosa gore mafatshe a tsweletse ka go dira mananeo a itebagantseng le go lwantsha seemo se se sa jeseng diwelang sa kgokgontsho. “Dipalo tsa batho ba ba kgokgontshiwang le ditlamorago tsa se mo botshelong ka kakaretso, di supa fa kgokgontsho e le setlhogo, ka jalo e tlhoka tshwaragano ya botlhe,” a tlatsa jalo. Rre Segokgo a re o nona pelo ka mathe go bona mekgatlho ya sedumedi jaaka kereke ya UCCSA, e eme ka dinao go lwantsha kgokgontsho. “Puso e rotloetsa batho go ipopa, ba simolodisa mekgatlho e ka fa molaong, go lwantsha dikgwetlho dipe tse di kgoreletsang mo botshelong, go akarediwa kgokgontsho,” ga bua Rre Segokgo. O tlhalositse gore mo pegong ya gagwe ka botsogo jwa setshaba, Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o boletse gore bomme le bana ba rontshiwa tshwanelo ya go tshela ka kagiso le go bona sebaka sa katlego ke go kgokgontshiwa. Le fa go ntse jalo, a re puso e itlamile go gagamatsa molao le go tokafatsa ditlamelo tse di itebagantseng le go lwantsha mefuta yotlhe ya kgokgontsho. Rre Segokgo a re tumelo e bopa boammaruri ka jalo a rotloetsa kereke ya UCCSA go dirisa nonofo e ba e fiwang ke Modimo go bopa setshaba se nang le boammaaruri jo bo ka thusang go lwantsha kgokgontsho.O tsweletse a supa gore go botlhokwa go itshekatsheka ka maikaelelo a go tlosa tsotlhe tse di lebegang di rotloetsa kgokgontsho ya bong. Tona Segokgo a re go rontsha bomme tshwanelo ya go bereka ditiro dingwe le go nyadisa kana go pateletsa bana go tsena mo nyalong ka bonana, ke dingwe tsa tse di supang kgokgontsho ya bong. A re dithuto le tsamaiso tse di rutwang bana ke batsadi le setshaba ka kakaretso di tshwanetse go rotloetsa tekatekano ya bong. Tona Segokgo a re botsogo jwa mo malwapeng, go tlamela bana ka boammaaruri, le go rotloetsa katlego ya bomme, go ka thusa go fokotsa manokonoko a lehuma. “Ke a le kopa gore le seka la didimala, lwantshang mefuta yotlhe ya kgokgontsho. Makgotla a tumelo tshwaragang le puso le setshaba ka kakaretso, go aga tshaba e nonofileng, e nang le botsogo,” ga kopa tona. O tlhalositse gore maikaelelo a puso ke go bopa setshaba se se nonofileng e bile se kgona go itirela le go nonotsha itsholelo ya malwapa le ya lefatshe ka kakaretso. Motshwara madi wa kereke ya UCCSA, Rre Thuli Johnson, a re go botlhokwa gore le fa ba kopana go obama, ba nne le seabe mo go lwantsheng dikgwetlho tsa setshaba. Rre Johnson a re lentswe la boammaruri mo setshabeng le tshwanetse go tswa ka kereke. A re go lebega kgokgontsho e ile magoletsa, a tlatsa ka gore borre ba intshitse dira mo setshabeng ka ele bo tshotsho e rweleng mo ditirong tsa borukutlhi tsa go kgokgontsha bomme le bana. “Go lebega kgokgontsho e kekela ka gore e setse e dirwa le ke bomme,” Rre Johnson a tlhalosa, a tlatsa ka gore kgokgontsho e ditiro di maswe ka gore e baka dintsho, dikgobalo le gone go thuba malwapa le go ama bangwe mo meweng le maikutlo. O rotloeditse kereke ya UCCSA go ema ka dinao go thusa go lwantsha mathata a amang setshaba. society 9 Ngwao e botlhokwa go aga,go bopaganya tshaba Kgosi wa motse wa Manyana Kgosi Kebinatshwene Mosieleleo o gwethile merafe go sala morago ditsamaiso tse di molemo go ka thusa go tsosolosa dingwao tse di farologanyeng tsa merafe ya lefatshe leno. Erile a bua kwa tirong ya letsatsi la ngwao kwa motseng wa Mogoditshane kgwedi ya Phatwe e tlhola ga tlhano, kgosi Mosilelele a kopa merafe go fokotsa go sala morago thata diphetogo tsa sesha go fokotsa go latlhega ga dingwao. A re merafe mo dinakong tsa segompieno e kgatlhiwa bobe ke go amanngwa le dingwao tsa merafe e sele, go ikgatholosa dikgang tsa botlhokwa tse di ka thusang go tsosolosa le go boloka dingwao tsa se gabone. Kgosi Mosielele o tsweletse a gwetlha morafe wa Bakwena go lemoga botlhokwa jwa go tsosolosa ngwao, ka go itebaganya le dintlha di tshwana le ya go nyala lefufa, a re go ka thusa go godisa boikarabelo le gone go thusa go nonotshe seemo sa itsholelo sa bomme ba go le gantsi ba lebanwang ke tlhokomelo ya bana ba ba phuagantsweng ke borre. A re seo se ka thusa le gone go tlama bo rre go diragatsa maikarabelo a bone ka mo go tshwanetseng go na le dikgang tsa seshwa tse borre ba emelang go tlamiwa ke molao go tlhokomela bana ba bone. Kgosi wa Bahurutshe o akgoletse tautona wa lefatshe leno Lt Gen Dr. Seretse Khama Ian Khama mananeo a go tsosolosa ngwao e eneng e phirimeletswe, gore go thusitse thata Batswana go itharabologelwa ka go thusa go tsosolosa dingwao tsa bone le go abalana megopolo ya ka fa seo se ka tokafadiwang ka teng. “Go a itumedisa go bona morafe wa Mogoditshane o arametseng toropo kgolo Gaborone, ebile ele wa makgathanna thapong o santse o agela mosako lefoko la kgosi go bua ka dikgang tse di rotloetsang go bolokwa ga ngwao”, ga tlhalosa kgosi Mosielele O tsweletse a lebogela thulaganyo ya meletlo ya ngwao ka go supa fa ele botlhokwa thata mo go bopaganya le go ruta a tlhalosa fa go ka thusa go tlhabolola le go godisa ngwao. Molomaganyi wa tiro eo, Kgosi Michael Khayambia o lebogtse go nna teng ga thulaganyo eo, e eneng ena le dikgwetlho tsa go nna maoto a tshupa ga bontsi jwa morafe. A re tshwaragano e botlhokwa fela thata go tswa ka maano a ka thusang go fitlhelela ditoro tsa morafe ka jaana kemo nokeng ya maphata a puso e setse e le boutsana. Kgosi Khayambia o rotloeditse le go lebogela kemo nokeng ya ba ba nnileng le seabe jaaka morafe le dikhamphane tsa motse oo ka gonna le letsogwana le le kwa godimo mo go tlhomamiseng gore maikaelelo a go tshegetsa letsatsi la ngwao kwa motseng wa Mogoditshane a tswelela a atlega. Kgosi Alfred Dihutso mo mafokong a kamogelo o rotloediste morafe go se kgobege marapo ka ntlha ya gore tiro e jaanong eleng mo ngwageng wa boraro e tsweletse ka tatelano etlhoka go dirwa ka madi go na le pele jaaka ene e rotloediwa ka thobo. Tiro eo ene ya simololwa ka thulaganyo ya dikgafela go tswa mo dikgotleng di le lesome le bobedi (12) tsa motse wa Mogoditshane. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Kgosi Maruping o tshwenngwa ke nnotagi Kgosi Kegobonye Maruping wa Moshaweng mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng a re ga a jesiwe diwelang ke tsela e banana ba motse wa gagwe ba inaakantseng le nnotagi ka yone. E rile a bua mo potsolotsong, Kgosi Maruping a kaya fa banana ba inaakantse le nnotagi e bile ba sa tlhole ba laolesega mme a re seemo se se tsentse batsadi mo tsietsing mo e bileng jaanong bangwe ba tlogetse ditiro tsa bone go lwantsha kgang e. Kgosi Maruping a re se se ngomolang pelo le go feta ke gore banana ba ba ruta bomonnaabone ba ba sa ntseng ba tsena sekole, mme a supa fa mokgwa o o baya bana bao mo diphatseng. A re bana bangwe ba tlogetse sekole ka lebaka la boimana jo bo tsileng ka lebaka la tiriso botlhaswa ga nnotagi, fa ba bangwe ba tlogetse sekole fela. O gateletse fa tiriso botlhaswa ga nnotagi e rotloetsa ditiro tsa botlhoka-tsebe ka e ya re morago bone banana ba, ba tlhoke kutlwisisanyo mme go nne le dintwa. Kgosi Maruping o boletse fa selo se sengwe se se sa mo robatseng mo motseng e le medumo ya diletso mo marekisetsong a nnotagi jaaka mo malwapeng a go apewang majalwa mo go one le kwa dibareng. Le fa go ntse jalo Kgosi Maruping o boletse fa a lebogela maiteko a puso a go ntsha Batswana mo lehumeng la nta e tshetlha. O tlhalositse fa bodiredi jo bo lebaganeng le go isa mananeo a puso a tshwana le ba lephata la banana a dira ka natla mme sebe sa phiri e le gore banana ba motse ba boitseme. Kgosi Maruping o supile gape fa a itumelela mapodisi ka go emela dikgang tsa botlhoka-tsebe ka dinao. A re mapodisi ka tiriso ya baithaopi ba twantsho-borukutlhi ba nna ba le malala a laotswe go lwantsha dikgang tse. O tlhalositse fa ba twantsho- borukutlhi ba supile bopelotelele le boineelo mo tirong ya bone ka mo nakong eno ba thusa mo go beeng leitlho bana ba mophato wa bosupa ba mo nakong eno ba nnang kwa sekoleng gore ba seka ba tlhaselwa ke dilalome bosigo. A re mophato wa twantsho borukutlhi ga o ipone tsapa ka jaana o tlhokometse thata gore molao wa go nowa ga bojalwa o a diragadiwa mo marekisetsong otlhe a motse le dikgaolwana tsa one. O kaile fa mophato wa twantsho -borukutlhi o isa dithuto kwa morafeng ka go buisanya le bone mo malwapeng. O bile a kopa banana lefatshe ka bophara go fokotsa tiriso botlhaswa ya nnotagi ka alemphorwana la bojalwa le sa fofe. crime_law_and_justice 1 Kereke ya Roma e kgathala ka seemo sa balwetse Mokgatlho wa bomme wa kereke ya Roma go tswa kwa lekalaneng la St Antony o abetse kokelo ya Palapye dikobo di le lekgolo. Ga se la ntlha mokgatlho o, o dira jaana ka o itlamile go tlhokomela balwetse ba kokelo eo. E rile a bua kwa kabong dimpho tseo, leloko la mokgatlho oo, Mme Tebogo Lebane, a tlhalosa fa ba setse ba na le dingwaga di le supa ba ntse ba tlhokomela kokelo eo, a tlatsa ka gore ba setse ba kile ba aba melora, mesokelatsebeng ya matheka, setsidifatsi le tse dingwe. Mme Lebane o ne a supa fa mo kerekeng ya bone ba na le makgotlana ka go farologana mme ba nne ba ithulaganya go bona ka fa ba direlang setshaba ka teng. O ne a tlhalosa fa mokgatlho wa bone e le wa bomme, mme ba ne ba itsheka tsheka le go rotloetsana mo go tsenyeng letsogo mo ditlhabololong tsa lefatshe leno. Mme Lebane a re go le ga ntsi bakeresete ba na le thotloetso e e faphegileng e bakiwa ke taelo le tlhotlheletso ya mowa o o boitshepho, go ba kaela le go ba laela se ba tshwanelwang ke go se direla setshaba. O ne a tswelela a supa fa ba ne ba lemoga tlhaelo kwa kokelong eo ka nako ya fa ne ba etsetse teng, segolo jang dikobo mme ba ikitaya ka thupana go thusa go fema seemo seo. A re ba ne ba tsweledisa mogopolo wa bone ka dithuso go tswa mo malokong a kereke le setshaba ka kakaretso. E ne ya re a amogela dikobo tseo mo boemong ja kokelo, mooki yo mogolwane Mme Kate Makhura a supa boitumelo jo bogolo a re dikobo tseo di ya go dira pharologanyo mo balwetseng ba bone. Mme Makhura o ne a supa fa diemo tse balwetse ba iphitlhelang mo go tsone fa ba le mo kokelong eo, di ba ama fela thata. Mongwe wa badiri ba kokelo, Rre Gaoraelwe Letsibogo, o ne a galaletsa thata tiro e ntle e e dirwang ngwaga le ngwaga ke ba kereke ya Roma a re seo se supa mowa o montle wa kutlwelo botlhoko. BOKHUTLO health 6 Mapodisi a Tlokweng a lela ka modumo MapodisiTlokwenga re atshwenyega ka modumo wa diletso mo dibareng le batho ba ba dirang meletlo mo malwapeng. Superintendant Lebalang Maniki a re ba ngongorisiwa gapeke go bo jaanongmeletlo ya baby shower,e sa tlhole e le mo moonong wa go thusana, mme jaanong e le ya go lala paeng. O boletse fa ba tshwere batho ba le borataro ka mafelo a beke, botlhe e le ba ba neng ba leletsa kwa godimo mme ba hirilebaletsi kwa meletlong ya bone, fa babangwe e le beng ba dibara. Superintendent Maniki o boletse fa ba isitse dikgang tse dingwe kwa lekgotleng la Setswana la Tlokweng, a tlhalosa fa ba gapa diletso fa ba fitlhela batho ba leletsa kwa godimo. Rre Maniki o tlhalosiste fa go letsa go sa tshwarelwe, fela fa yo o letsang a sa tlhodie babangwe. Mo dikgannye tse dingwe, Superintendent Maniki o kaile fa ba tshwenngwa ke batho ba ba kgweetsang ba sena diteseletso tsa go kgweetsa. O kopile beng ba dikoloi go adima batho ba ba nang le ditlankana go kgweetsa, go na le go di neela mongwe le mongwe. Go sale foo, mapodisi a Tlokweng a tlhotlhomisa tiragalo e khombi nngwe e neng ya pitikologa, mo tseleng ya Modipane/Tlokweng ka mafelo a beke. Rre Manikia regore combi e e oleng ke ya Mogoditshane Route 10, mme e ne e na le bapalami ba le batlhano go balelwa mokgweetsi, mme ba bararo ba ne ba alafiwa ba bo ba gololwa fa yo mongwe a bone dikgobalo tse di masisi. Mogolwane yo o kaile fa kotsi e, e diragetse kgwedi ya Phatwe e tlhola gane ka nako ya bone makuku. O tlhalositse fa mokgweetsi e le monna wa dingwaga tse masome mararo le bongwe, mme ene a dule a sa gobala. Superintendent Maniki o kopile bakgweetsi go obamela matshwao a tsela, le go kgweetsa ka lebelo le le lekanetseng. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Maano ga a site... Mme Chikadzi Sigweni wa motse wa Changate ke mongwe wa Batswana ba ba sa letlelelang go tlhoka thuto ga gagwe go mo kgoreletsa mo botshelong ka a re o bone gole botoka gore a itshetsa ka setlhare sa mogwagwa se se ntshang maungo a a lephutshe ka mmala a a ka jewang a le tala kana a omisitswe. Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Mme Sigweni o tlhalositse gore o ne a bona go tshwanela gore a batle ditsela tse di ka dirang gore a seka a nna fela ka matsogo mme a tlelwa ke leano la go bapala mogwagwa gore a o rekise. Mme yo a re o simolotse thekiso ya mogwagwa o o omisiwang bogologolo mo a sa tlholeng a gakologelwa gore tota ke ka ngwaga ofe. O tsweletse ka go tlhalosa fa go rekisa mogwagwa o o omisitsweng go mo thusa fela thata mo lwapeng ka gore madi a a bonang o a dirisa go reka dilo tse a di tlhokang le tsone dijo tota. Mme Sigweni a re go omisa mogwagwa ke tiro e telele e bile go tlhoka bopelotelele ka gore sa ntlha motho o tshwanetse go o bapala, a bo a ya go kgetla dithupa tsa setlhare sa mokgomphatha gore a tle a dire fa a tsileng go anegela mogwagwa teng. A re o anegiwa mo letsatsing motshegare otlhe o bo o bewa fa thoko ga molelo maitseboa gore o ome tota. Fela jaaka dikgwebo tsotlhe, thekiso ya mogwagwa o o omisitsweng le yone e na le dikgwetlho tsa one. A re kgwetlho e tona e a kopanang le yone ke gore mo ngwageng o mogwagwa ga o montsi kwa nageng jaanong mo go dira gore a seka a kgona go dira jaaka a tlwaetse. O tsweletse ka gore ka e le mosadimogolo, ga a sa tlhole a kgona go ya go rwalela dikgong ka gore fa motho a omisa mogwagwa go tlhokana le dikgong tsa molelo. Setlhare sa mogwagwa se ungwa ka paka ya dipula mme gape gore o ome sentle go tshwanetse gore go bo go le letsatsi jalo se ke kgwetlho ka gore fa dipula di na ga go nne le letsatsi le le ka o omisang sentle. Mme Khesiwe Rali le ngwana wa gagwe Mme Thalosani Rali le bone ba re go omisa mogwagwa ke botshelo ja bone ka ba o direla gore ba kgone go nna le sengwe se ba ka se jang ba bo ba o rekisa gore ba kgone go reka tse ba di tlhokang mo lwapeng. Lebaka le lengwe la gore ba bo ba omisa mogwagwa mo lwapeng a re ke gore ga ba eletse gore bana ba bone ba ka ya go o kopa kwa malwapeng a mangwe. Mme Rali o tlhalositse fa go le monate go bona bana ba gagwe ba ja dilo tse a di itiretseng ka diatla ba sa kope mo malwapeng a mangwe. O tsweletse ka go tlhalosa gore ga se malwapa otlhe mo motseng wa Changate a a omisang mogwagwa, jaanong o bone se e le lebaka la gore ene a o dire a bo a o rekisa. O bolela fa ba rekisa mogwagwa oo kwa Tutume ka ke lone lefelo le go fitlhelwang bontsi jwa batho teng. A re dinako dingwe o rekisetsa kwa metseng ya Nkange, Senete le e mengwe e e mabapi. Mme Qhinanga Eliot ene o kaile fa a omisetsa mogwagwa go o ja fela mo lwapeng. O tlhalositse gore fela jaaka badiri ba bangwe ba mogwagwa le ene o na le dikgwetlho tse a lebaganeng le tsone. A re fa a ile go bapala mogwagwa kwa sekgweng go na le gore o ka fitlhela ditshwene di o feditse ka jalo go bo go sena gore o ka dira jang fa e se go itlhoboga fela a bo a boela lwapeng a iphotlhere. Mme Eliot o dumela gore le fa thuto e le botlhokwa, ga go reye gore motho fa a sa rutega o ka nna fela a sa dire sepe. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Mooki o ikgapetse botshelo Mapodisi a Serowe a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme wa mooki wa dingwaga tse di masome a mararo le bosupa, a ipolailengbosheng. Ramapodisi a Serowe, Superintendent Paul Molapisi, o tlhalositse fa tiragalo eo e diragaletse kwa Serowe, kwa kgotleng ya Sesoma. Mme yoo ene o tlholega kwa kgotleng ya Botalaote, mme ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse. Rre Molapisi a re ditiragalo tsa mofuta o di tlwaelesegile, mme fa e le mo go bomme, ga di a tlwaelesega thata. O bile a gakolola setshaba ka ditlamelo tsa bogakolodi tse di bonwang kwa dikokelong, tse di nang le bomaitsenape, a tlatsa ka gore go ikgapela botshelo ga se tharabololo ya mathata. Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Ba bete se molangwana ka diphetogo Banni ba Lephephe le Sojwe mo kgaolong ya Kweneng ba re ba kgatlhanong le go tsaya ditlamelo kwa kgaolong e ntsha ya Letlhakeng/Lephephe ka ba re go kgakala e bile ga go na ditsela. Ba buile se mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke bogogi jwa khansele ya Kweneng fa ba ne ba tsaya megopolo ya botlhe ba ba amilweng ke kgaoganyo ya melolwane mo metseng e e neng e wela ka fa tlase ga kgaolo ya Lentsweletau. Diphetogo tse, di tsile morago ga kgaoganyo ya melolwane ya sepolotiki. Fa a ba baya mogopolo pele, mokwaledi mogolo wa khansele ya Kweneng Rre Wadzha Tema, o boleletse banni gore khansele e akantse gore ntswa kgaolo e isitswe kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng go tsaya ditlamelo, e lemogile gore go kgakala e bile ga gona ditsela. A re kakanyo ke gore go dirisiwe Sojwe Service Centre ka go nale dikago tsa di hosetele tse di ka dirisiwang e le diofisi. O boile gape a tlhalosa gore makhanselara one a tla tswelela a nna kwa Molepolole ka ke gone kwa go tsewang ditlamelo teng. E ne yare ba ntsha maikutlo a bone, megopolo e be e le e e farologaneng. Monni wa motse wa Lephephe Mme Goleba Tshaakane, o kopile gore kgaolo ya bone e name e tsaya ditlamelo mo kgaolwaneng ya Molepolole/Lentsweletau, fa tse dingwe tse ba di tlhokang ba tla di tsaya kwa Sojwe Service Centre. Mme Goabaone Basimolodi le ene e le monni wa Lephephe, o supile gore metse e e amilweng ke kgaoganyo melolwane, ga e a lekanwa ke Sojwe Service Centre. Le fa go ntse jalo, a re, metse e, e lekanwe ke go nna kgaolo potlana, a supa gore go ka nna botoka fa motse wa Sojwe o ka nna kgaolo potlana fa motse wa Lentsweletau one o nna service centre ka gore o bapile le toropo kgolo Gaborone le Molepolole. E ne yare a ntsha la gagwe, mothusa Kgosi ya Lephephe, Kgosi Gasemosarwa Lebati, a kaya fa ba kile ba kwala ba le kgatlhanong le mololwane o mosha. A re, ka ba ka seke ba fetole se se diragetseng , o kopa gore service centre e tswelele e dirwe mo Sojwe, gore ba bone ditlamelo mme khansele potlana ya Molepolole/Lentsweletau e seka ya ba latlha ka ba ka seke ba kgone go bona ditlamelo sentle kwa Letlhakeng. Fa go ntse go le foo, banni ba motse wa Sojwe ba ne ba iteela diatla kakanyo e e tserweng ke bogogi jwa khansele gore ba tswelele ba tsaya ditlamelo kwa khanseleng potlana ya Molepolole /Lentsweletau. Ba re, mogopolo oo, o montle thata ka e bile ba sena masika kwa Letlhakeng, mme fa ba tsaya ditlamelo kwa Lentsweletau kgotsa Molepolole go ba sologela molemo ka gore fa ba sa kgona go bona dithuso ka potlako ba kgona go lala mo masikeng a bone mo metseng e mebedi eo. Mothusa modulasetilo wa khansele ya Kweneng Rre Palelo Motaosane o tshephisitse banni gore khansele e batla go nonotsha lefelo la Sojwe gore batho ba bone ditlamelo gaufi le gone go ba fokoletsa mosepele. A re, ba tlaa fefogela go tlamela service centre eo. O tlhalositse gape gore kgaolo potlana e dirwa ke dipalo tse dintsi tsa batho mo motseng, ke gone ka moo go nang le moono wa gore go nne le di service centre mo metseng e metona e tshwana le Sojwe le Lephephe go atumetsa batho ditlamelo. Mo go tse dingwe, Rre Tema o tsibositse morafe gore ere ka ba tshwentswe ke seemo sa thuto ya bana, khansele e dirile thulaganyo e mo go yone batsadi ba bana ba ba nnang kwa dihoseteleng tsa Shadishadi ba tlaa nnang ba etela bana ba bone ka mafelo a beke go ya go ba tlhola, go ba tlhatswetsa le go ba sidila maikutlo. Gape o tlhagisitse batsadi gore o tshwenngwa ke bana ba ba nnang kwa masimo. A re, bana ba, ba tsamaya sekgala se se leele jalo fa ba tsena kwa sekolong ba a bo ba lapile. O kopile batsadi gore a e nne bone ba tsogang mo gae ba ya masimo go na le selo se, se dirwa ke bana. O boile gape a tlhalosa gore matlo a VDC jaanong a tla nna ka fa tlase ga tlhokomelo ya khansele. BOKHUTLO politics 7 Thulaganyo ya go aga matlo e ntsha maduo Mogokaganyi wa lekgotla le le agelang batlhoki, Colonel Duke Masilo, a re lenaneo le, le ntsha ntsha maduo a a bonalang. O ne a bua kwa pulong ya ntlo e e agilweng ke Rre Michael Ryan wa khamphani ya TecServe Botswana a e agela Mme Seapi Tsie kwa Tsetsebye bosheng. A re ba ba neng ba nyatsa thulaganyo e fa e simolola jaanong a ba feletse a le tlhaeng. Col Masilo a re thulaganyo ya go agela batho matlo e simolotswe ke Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama mme konokono e le go thusa ba ba senang bonno jo bo fang seriti. A re lenaneo le le setse le agetse batho ka go farologana matlo mme a kopa Batswana go tswelela ba ema mogopolo o nokeng go fa ba ba senang matlo bonno jo bo fang seriti. Col Masilo a re mowa wa go thusana ke one o o tlhotlheletsang gore lefatshe leno le nne le kagiso le thitibalo a supa fa mafatshe a mangwe a na le madi a mantsi mme a palelwa ke go thusa ba bangwe ka gore ga ba na mowa wa tirisano mmogo le wa kutlwelobotlhoko. O gwetlhile setshaba ka bongwe ka bongwe go tsenya letsogo mo go thuseng setshaba se se tlhokileng lesego a re go direla ba bangwe e sa tshwanela go nna tiro ya dikhamphane di le nosi. A re Batswana ba na le mowa wa tshwaragano jaaka ba supile ka go aga university ya Botswana. Col Masilo a re lenaneo le le simolotse ka ngwaga wa 2011 mme ntlo ya ga Mme Tsie ke ya bo 674 mme go na le di le masome a mabedi le botlhano tse di tshwanetseng go rolelwa beng ba tsone fa gape go na le di le masome a mararo le borobabobedi tse di sa ntseng di agwa. Le fa go ntse jalo o kopile Batswana go tswelela ba thusa setshaba ka go sa ntse go na le batho ba bantsi ba ba sa ntseng ba tlhoka bonno. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Kgosidialwa Motsamai wa Tsetsebye a re Batswana ba tsere tshwetso ya go thusa ba ba tlhokileng lesego mme a leboga Tautona go bo a na le leitlho la tebelopele. Kgosi Motsamai a re Tautona o na le mananeo a a tsepameng a go thusa setshaba ka go farologana. Mme Tsie o lebogetse mpho eo ya ntlo a supa fa e tlaa mo fa seriti e bile e tlaa mmabalela mo diemong tse di sa siamang tsa bosa. Mokhanselara, Rre Lame Motsamai a re go tlhoka bonno ga go fe motho tlotlo mme a rotloetsa ba komiti ya ditlhabololo tsa motse go thusa ka go gokela pompo ya metsi. Rre Ryan ene a re go nna le bonno ke se motho mongwe le mongwe a se eletsang. A re lenaneo le la go agela batlhoki le dirile gore ba ba senang bonno ba kgone go agelwa matlo. society 9 Malema o akgola Head Mountain Kgosi Mmirwa Malema wa Bobong, o akgotse banana ba kereke ya Head Mountain of God Apostolic Church in Zion go supa fa ba kgathala ka batlhoki e bile ba tlhaloganya lefoko la Modimo le le reng rata mongwe ka wena fela jaaka o ithata. Banana ba dikereke tsa Head Mountain of God mo kgaolong ya Legare ba abetse batho bangwe ba le batlhano dimpho tsa melora le dijo. Kabo dimpho e e ne e tshwaretswe kwa kgotleng kgolo ya Bobonong bosheng. Kgosi o kgothaditse kereke e go tswelela e dira ditiro tsa bopelotlhomogi ka lefoko la Modimo le tlhalosa fa letsogo le le abang le le sego go na le le le amogelang. O gakolotse dikereke go tla go ipega kwa ofising ya gagwe fa di thibelela mo kgaolong gore di itsiwe e ne e re fa morafe o tlhoka dithapelo le dithuso tsa bone ba itse fa ba le teng. Kgosi o kopile kereke e go tswelela e bopagane ga mmogo le go rapela ramasedi ka boammaaruri gore e nne sekao mo dikerekeng tse dingwe tse di reng fa di fatlhoga di kgaogane ka makgamu di ise di ye gope. O ne a fetsa ka go kopa ba ba amogetseng dimpho go di amogela ka lorato ka mo go ka tiisa kereke e moko gore go tswelele e dira tiro ya motlhale o ka ba lemoga fa se ba se dirang se amogelesega. Mookamedi wa kereke e, Rre Tendai Manyiwa o tlhalositse fa kereke ya gagwe e le kereke e e kgatlhalang ka matshelo a batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng ke ka moo ba tsweletseng ka go tsamaya ba thusa batho ba ka sengwe le sengwe se ba se kgonang. Rre Manyiwa a re kereke ya gagwe e tswa kgakala e dira ditiro tsa bopelotlhomogi ka ba setse ba kile ba agela motlhoki ntlo e bile ba nna ba rekela ba ba tlhokileng lesego dimpho le dijo tsa madi a a tshwarang dikete tse masome a mararo a dipula ka ngwaga. O tsweletse ka go tlhalosa fa kereke ya bone e sena kgethololo e bile e thusa batho botlhe gongwe le gongwe mo lefatsheng leno. Rre Manyiwa a re go rena kagiso mo kerekeng ya bone, a re e sale e tlhamiwa ka ngwaga wa 1974 ga e ise e thubege kgotsa e kgaogane ka bogare mo go supang gore Modimo o nna o ba eteletse pele ka dinako tsotlhe. religion_and_belief 8 Bobonong o itlhokoletsa boipuso Go bolelwa fa boipuso jwa monongwaga e le matlhagolelatsela a jwa 2016 jaaka Botswana a tlaa bo a ipelela dingwaga tse di masome matlhano a ntse a ipusa. Mo phuthegong e e neng e buisiwa ke dikomiti tse di eteletseng pele dithulaganyo tsa boipuso mo Bobonong bosheng, mothusa molaodi mo Bobonong, Mme Lorato Sebola, o tlhaloseditse dikomiti fa ba lekalana la BOTS 50 ba ntshitse madi a a fetang P175 000 go thusa dikgaolo tsa Bobirwa go baakanyetsa boipuso. O tlhalositse fa Bobirwa a agilwe ka dikgaolo tse di masome mabedi le bosupa, a ba a supa fa madi a tlaa kgaoganngwa dikgaolo go dira dipaakanyo. Mme Sebola o supile fa ditiragalo tse di tlaa natefisang letsatsi la boipuso di akaretsa mmino ka dikereke, dikopelo le mmino wa setso, mmabontle le rabontle le kgwele ya dinao. O supile fa monongwaga go tlaa nna le mmabontle le rabontle mme botlhe e le batho ba ba belegweng ka 1966. O tlhalositse fa legato la ntlha la dikgaisano tsa mmabontle le rabontle le tlaa nna kwa dikgaolong pele ga Lwetse e tlhola malatsi a le lesome le bobedi, a tlatsa ka go re legato la bobedi la mmabontle le rabontle le tlaa tshwarwa Lwetse a le lesome le borobabongwe mo Bobonong. Mme Sebola a re mmabontle le rabontle ba ba kgonneng go gaisa mo Bobonong, ba tlaa ya go tsenelela legato la boraro kwa Serowe Lwetse e le masome mabedi le borataro. O akgoletse morafe wa Babirwa go bo o ne o tshologetse phuthego eo ka bontsi. Fa a latlhela la gagwe, Mme Gloria Mphela o supile fa dithulaganyo tsa boipuso kwa Mabolwe di tsamaya sentle. Mme Mphela o supile fa kwa Mabolwe go tlaa bo go na le metshameko ya setso jaaka koi le diketo, a tlatsa ka go re Mabolwe o na le ditlhopha tse dintsi tse di opelang e bile di bina mmino wa Sebirwa mme a supa fa ka Lwetse a le masome mararo go tlaa bo go osha logong go sala molora. O tlhalositse fa go tlaa jewa dijo tsa setso kwa moletlong oo. BOKHUTLO society 9 GaMalete o hupeditswe ke toropo Motse wa Ramotswa o lebanwe ke kgwetlho e tona ya tlhaelo ya lefatshe mo go bakiwang ke go nna gaufi le toropo kgolo. Se, se tlhalositswe ke modulasetilo wa khansele potlana ya Ramotswa, Rre Thabang Keakile, fa a buisa phuthego ya khansele eo bosheng. Rre Keakile a re morafe wa Ramotswa o tlhoka ditsha tsa bonno fa e sale go emisiwa go abiwa ga ditsha, fa moalo wa Ramotswa Development Plan o tla bokhutlong. A re sekai se se mo mpaananeng ke tiragalo ya bosheng e rileng ba lekgotla la kabo ditsha la ga Malete, le ntshitse ikopelo ditsha di le 287, ga tla matshwititshwiti a batho. O kaile fa seemo se se supa ka fa go leng thata ka teng go tlhabolola banni ka go ba fa ditsha tsa bonno. O ne a kopa ba ba amegang go thusa go tla ka maano a go leka go thusa banni go lebilwe bonnye jwa lefatshe le le leng teng. Rre Keakile o kaile gape fa ditsha tse di neng di solofetswe kwa Seuwane di saletse kwa morago. E re ntswa rakonteraka yo a neng a romilwe go sekaseka lenaneo leo a setse a ntshitse pego ya ditshekatsheko tsa gagwe tsa ntlha, ga go ise go lekane gore go ka abiwa ditsha. O kaile fa kwa Seuwane, go solofetswe ditsha tsa bonno di le 3000, mme a kaya fa go diile ditsela, kgopho ya metsi a a leswe, metsi a a nowang, mafaratlhatlha a ditlhaeletsanyo le motlakase mo go tse dingwe. Rre Keakile a re se se tshwereng gape ke gore ga gona ditsela tse di teng mo Seuwane go tswa mo tseleng ya Lobatse-Gaborone, e bile ga gona le fa ele makgabaganyo a seporo kana metsi a a nowang. A re mo nakong ya gompieno, lephata la ditsela le supa fa le ka kgona go dira metshelakgabo ele mebedi fela go tsena mo Seuwane, mme a bolela fa se se sa lekana. Ka jalo, o ne a supa fa tshekatsheko ya tiriso lefatshe leo, e ka seke e kgone go feta ka e sa kgotsofatse. O ne gape a re ba Water Utilities Corporation ba ne ba diega go gokela diphaephe tsa metsi mo go e tswang Gaborone go ya Lobatse. Rre Keakile a re go botlhokwa thata gore khansele potlana e tle ka methale ya go thusa banni gore ba kgone go akola se se ba tshwanetseng. Rre Keakile gape o ne a supa matshwenyego ka banni ba kgaolo ya Magope o mosha, a re puso ga ise e ba akaretse gore ba ka gokela motlakase ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase tsa P5000. A re ntswa banni ba Magope ba na le keletso ya go gokela motlakase, ba koporasi ya motlakase ba ba lopa madimadi go gokela motlake, mme se se folodise maiteko a bone. O ne a ntsha sekai sa gore bangwe ba lopiwa madi a a kana ka P10000 go gokela motlakase, ka jalo a ikuela mo go ba koporasi ya motlakase le puso go akaretse ba Magope. BOKHUTLO politics 7 Tshwaragano ya dikereke e botlhokwa - Motlhagodi Mookamedi wa lekgotla le le okametseng dikereke tsa semoya mo Botswana la Organization of African Instituted Churches, Rre Mookani Motlhagodi o kgothaditse diphuthego tsa dikereke tsa semoya tsa Serowe le metse e mabapi go nna seopo sengwe go lwantsha maitsholo a a sa eletsegeng segolo thata mo bananeng. Mo bokopanong jwa dikereke tseo ka Matlhatso, Rre Motlhagodi o tlhalositse fa botlhoka tsebe, boimana jwa banana, borukutlhi, HIV/AIDS le tiriso botlhaswa ya nnotagi e le mangwe a matshwenyego a a apesitseng lefatshe leno kobo ka letshoba ka tsotlhe di le borai mo isagong ya lefatshe gonne di ama segolo bogolo banana. A re fa dikereke di ka tshwaragana tsa ema ka dinao go ka nna motlhofo go hema mathata ao ka jaana popagano e tla ba fa nako ya go abelana dikitso le megopolo ka tse ba ka di kgonang go rarabolola matshwenyego a ba kopanang le one. Rre Motlhagodi o tsweletse a tlhalosa fa lefatshe leno le tswa goo lowe le itsege ka kagiso le thokgamo ka jalo a kopa dikereke go tsaya matsapa go tsholetsa serodumo seo. A re dikereke di ka kgona go rotloetsa mowa wa setho mo baneng ka go simolodisa dikole tsa bana tsa Tshipi tse mo go tsone ba tla a ba rutang setho se se eletsegang le gone go ba tshedisetsa mo tumelong ya sekeresete. Le fa go ntse jalo, mookamedi o kgadile fela thata go nna makgamu ga balatedi bangwe ba dikereke, a tlhalosa fa se se le borai fela thata ka e le nngwe tsela e e gogelang dikereke mo sekgweng mme di feletse di thubegile. O ba kgothaditse go dirisanya sentle le bogogi jwa metse bo akaretsa dikgosi, makhanselara le balaodi ka a re ke bone ba ba tshwereng boikarabelo ja go tsamaisa metse. Go ntse go le foo, Rre Motlhagodi o kopile dikereke ka kakaretso go somarela tikologo gonne a re bophepa ke jone konokono ya botsogo jo bo itekanetseng. E ne ya re a ntsha pego ya tekodiso ka seemo sa dikereke tsa Serowe le tikologo, Moruti Rosinah Samuel a supa fa bontsi jwa dikereke bo direla mo malwapeng ka ba lebanwe ke letlhoko le le kwa godimo la bonno jwa dikereke. O tsweletse a re ba tshwenngwa ke maloko mangwe a a gogang dinao go tsenelela diphuthego go tla go amogana dintlha tsa botlhokwa tse ba ka di godisang kereke. Mokwaledi mogolo wa lekgotla la OAIC, Mme Lebogang Rasesigo o tlhalositse fa maikaelelo a lekgotla leo e le go aga tumelo ya sekeresete le go lemoga boleng teng jwa dikereke tsa semoya. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Khansele ya Bokone Bophirima e thusitse Khansele ya Bokone Bophirima e bone go le matshwanedi gore e tsenye letsogo mo go thuseng ba ba tlhokang, segolo bogolo ba ba kgakala le ditlamelo. Mo potsolosong le BOPA bosheng, Rre Lesiela Mandonzi, yo e leng mothusa mokwaledi wa khansele eo, o supile fa khansele e neetse lephata la RADP P550 000 go tlhabolola ditirelo tse di kwa metseng ya Mababe le Kareng. Rre Mandozi o supile fa ba ikaeletse go tlhabolola ntlo ya motlobo wa dibuka kwa Mababe le go reka didirisiwa tsa motlobo tse di tlaa dirisiwang ke morafe ga mmogo le bana, go ithuta. A re motlobo le ntlo ya itshidilo mmele tse batho ba Mababe ba di filweng ke sesole sa Botswana di setse di le mo seemong se se sa siamang, ke ka moo ba bonang go tshwanela gore ba di tlhabolole. O kaile gape fa ba tlaa tlhabolola mabala a metshameko, go leka go fa banana ba ba kwa Mababe sebaka sa go itshidila mmele. Rre Mandozi o ne a supa fa ba tlaa rekela batho ba Mababe sekapaditshwantsho se se tlaa dirisiwang ke morafe go itlosa bodutu, a tlhalosa fa ba setse ba reketse batho ba Kareng sekapaditshwantsho le gone go duelela ditshwantsho tseo. Fa a ntsha la gagwe mo boemong jwa batho ba Mababe, Rre Molatlhegi Matsano, mokwaledi wa VDC, a re ba itumeletse thuso e ba e neetsweng ke ba RADP, mme fela o ngongoregela go diega ga khansele go diragatsa se ba se solofeditseng. A re ga ba bone dingwe tsa dilo tse ba supileng ba tlaa di direlwa. Fa a akgela tebang le go diega ga ditirelo, Rre Mogakolodi Maruatona o tlhalositse fa ba le mo thulaganyong ya go dira ditsholofetso tsa bone le batho ba Mababe. Rre Maruatona a re mathata a ba nang nao ke a metsi a noka, a a gaufi le motlobo wa dibuka le ntlo ya itshidilo mmele. Ke ka moo ba sa kgoneng go ka tlhabolola le go ntshafatsa mafelo ao. O supile gape fa ba le mo thulaganyong ya go rekela ditlhopha tsa kgwele ya dinao tsa Mababe kapari. O ne a tlhalosa fa ba sa diege mme ba le mo tsamaisong e e tshwanetseng ya go reka le go tlhabolola nngwe ya dikago tse ba di solofeditseng. O ne a supa fa ba setse ba dumalane le ba lephata la ditsela go ba thusa ka koloi e e tlaa yang go gopa lefelo le le tlaa dirisiwang e le lobala lwa metshameko. society 9 Ofisi ya moamogedi ga e sekise Mogolwane go tswa kwa ofising ya moamogedi Rre Bafi Nlanda a re ofisi ya gagwe ga e sekise jaaka bangwe ba akanya. A re e itebagantse le go dira se kgotla ya ditsheko e laotseng gore se dirwe, bogolo jang go gapa dithoto dingwe tse di amegang kana tse di rekilweng ka madi a ditiro tsa borukutlhi. O buile se jaaka fa a ne a buisa khansele ya Legare kwa Serowe bosheng. Rre Nlanda a re ofisi ya gagwe gape e tlhokomela dithoto tse di gapilweng go fitlhelela kgotla ya ditsheko e laola gore di busediwe mong wa tsone kana e nne tsa puso. A re ofisi ya gagwe e dira le maphata a a farologaneng mme e diretswe go itebaganya le dikgang tsa madi a a tswang mo ditirong tsa borukutlhi gore lefatshe leno le nne phepa e bile bagwebi ba tle mo go lone ka tshosologo go sena pelaelo ya gore madi a bone ke a ditiro tsa borukutlhi. O supile fa mo go tseeng ditaelo go tswa kwa makgotleng a ditsheko mo dinakong tse dingwe ba a bo ba sa itse gore jaaka ba di gapa jalo kgang tota ke eng ka ba dira tiro ya bone ka go laelwa. Rre Nlanda o supile fa mo nakong eno ofisi ya gagwe e setse e gapile dithoto tsa P166 million tse di akaretsang ditsha, matlo, dikoloi, dikgomo le tse dingwe kwa mafelong a a farologaneng a lefatshe leno. A re ofisi ya gagwe e itemogetse fa go na le bothata kwa lekgotleng la kabo ditsha jo bo tshwanetseng go tsibogelwa. A re motho a le mongwe o kgona go fiwa ditsha di le dintsi thata e se ka fa tsamaisong fa bangwe ba tlhatswa madi a ba nang le one ba a tsere ka ditsela tse e seng tsone ka ditsha tseo kana ka go aga matlo. O ne a fa sekai ka dikgang dingwe tse di supang fa batsadi bangwe ba felela ba tsenngwa mo dikgannyeng ke bana ka ba felela ba ba agela matlo ba dirisa madi a a leswe ao kana a a amegang mo dikgannyeng tseo. A re go ngomola pelo ka batsadi bone ba a bo ba filwe ditsha tseo ka tsamaiso. E re ntswa makhanselara mangwe ba ne ba supa fa melao mengwe e e sutisitsweng e tlaa babalela bahumanegi ka bangwe ba nna le dithoto mme ba sena dipampiri tse di supang gore ba di tsaya kae, bogolo jang leruo. Rre Nlanda o ne a tlhalosa fa molao o o sa kgokgontshe ope mme o o fa motho sebaka sa go supa gore o tsaya kae se a nang le sone. O ne a kopa makhanselara a Legare go nna matlho a setshaba mme ba thuse puso mo dikgannyeng tsa borukutlhi. society 9 Ba Phephenyane ba lela ka ditsha Banni ba metse ya Shoshong le tikologo ba ba abetsweng ditsha tsa dikgwebo kwa kgaolong ya Phephenyane ba itela ka go tlhoka go bona dithuso sentle kwa lephateng la kabo ditsha. Banni ba ntshitse ngongora eo mo puisanong ya bone le mopalamente wa kgaolo ya bone Rre Philip Makgalemele mo phuthegong ka mafelo a beke. Go ya ka banni bao, ba bangwe ba bone ba saleg ba abelwa ditsha tsa dikgwebo ka ngwaga wa 2013 ba supile fa go tlhoka go tlhabolola dikgwebo tseo ga bone e leng go tlhoka kitso gore di fa kae kaba ise ba di bontshiwe. Mongwe waba tsena phuthego eo, Rre Ofentse Garemmogo o kaile fa a sale a beilwe setsha seo ka ngwaga 2013ga a ise a bo a se bontshiwe. Rre Garemmogo a re e rile ngwaga o o fetileng ke gone b abo ba mo kopa go tla go se saenela mme go tswa foo b abo ba didimalela ruri. Fa a mo tlatsa Rre Joel Mosweu o kaile fa le ene a sale a bewa setsha seo bogologolo mme a sa itse fa se teng. Rre Mosweu a re go lo mo go dira gore ba seka ba tlhabolola ka bonako go dira tse ba eletsang go di dira mo ditsheng tseo. E ntse ele ka ga lephata la kabo ditsha, bangwe ba kaile fa ba abeilwe mo setsheng sele sengwe ntswa ba le babedi fa bangwe ba tlhakanetse mekono. Banni ba tlhalositse fa se se ba jetsetse ba mo kgwebedung ka e bile go lebega lephata le le sa ithulaganya sentle mme ba itlhaganetse go ba abele ditsha fela. Ba kaile fa se ba beile ka fa mopsing ka go bob a tshwere makwalo fela a gore ban a le ditsha mme ntswa bas a itse kwa di teng. Mo go tse dingwe, Mme Balidzi Keakile otlhaloseditse mothusa tona gore mo gongwe sebe segolo go tlhoka go tlhabolola ditsha tseo ke letlhoko la ditsela, metsi le motlakse. Mme Keakile a re ditsha tseo di beilwe fela mo sekgweng mo bas a itseng gore b aka dira jang go ditlhabolola ka go sena bogolo tsone ditsela tse di tsamaelang koo. O tlhalositse fa e bile go gokela motlakase gone go le turu fela thata ka ba batla madi a a ka tshwarang dikete tse di lekgolo ntswa ba ise ba simolole le gone go dira dikgwebo tsa bone. Fa a tswa la gagwe, Rre Makgalemele o ne a supa fa a itumeletse go kopna le bone go bona gore b aka tswa ba emisitswe ke eng go tlhoka go ditlhabololo ditsha tseo tsa bone tsa dikgwebo. Rre Makgalemele a re o lemogile fa aparetswe ke dikgwetlho tse dintsi go tlhoka go tlhabolola ditsha tseo di tshwana metsi, ditsela le motlakase mme ka jalo a tsile go ikopanya le maphata ao go bona gore b aka fefoa jang ditirelo tseo mo kgaolong ya bone. A re mme mo go ya motlakase yone tona wa lephata leo o kaile fa a tsile go oketa kgokelo ya motlhakase mo kgaolong ya Shoshong mme a ba kopa go sa fele pelo. A re ele ba kgaolong ya Shoshong ba dira ka gotlhe go bona gore ba ngokela dikgwebo mo kgaolong ya bone go leka ka fokotsa letlhoko la ditiro ga mmogol go tlhabolola kgaolo ya bone. O tlhalositse fa gonale komiti e e ikaeletseng gobona gore e rotloetsa banni ba kgaolo go tsena mo dikgwebong mme ka jalo a kopa banni ba o go ema ka dinao go bona gore ba simolodisa dikgwebo ka e bile bone ba le sego ba abetswe ditsha. Rre Makgalemele o ne gape a tlhalosa fa puso le yone e rotloetsa thata Batswana go itshimolela ditiro go ka go rotloetsa botlhe ba ab nang le dikeletso le natal ya go ka simolodisa dikgwebo go dira jalo. A re puso gape ke ka moo e ntshitseng mananeo a nyeletso lehuma go leka go thusa botlhe ba ba aparetsweng ke lehuma ka gongwe le bone ba ka thus aba bangwe fa b aka simolodisa dikgwebo. A re mo kgaolong ya gagwe gape ba inaakantse le ba mafatshe a mangwe go ithuta mo go bone ditsela dingwe tsa dikgwebo, a a fa sekai ka gore go na le bomme bangwe go tswa mo kgaolong ya bone ba ab ileng kwa lefatsheng la India go ya gop ithuta go fetlha motlakase wa letsatsi. Le fa go ntse jalo Rre Makgalemele o ne a itumela fela thata go bo banni bao bat sile ka dipalo tse di nametseng go tla go kopana le ene, mme a ba solofetsa gore e tlaa re kgwedi e e tlang e ise e fele a bo a ba bidistse gape le bo tona a maphata a ba nang le dikgwetlho le one go tla go ba buisa. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Khansele e kopiwa go tshwaragana le CEDA Mookamedi wa Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA), Rre Thabo Thamani, o kopile khansele ya Ghanzi go tshwaragana le bone gore ba kgone go dira dikgwebo tse di tlaa kgonang go tsenya madi mo khanseleng. Rre Thamani o buile mafoko ao fa a ne a buisa khansele ya Ghanzi bosheng. A re selo sa botlhokwa ke gore khansele e eme ka dinao go bona gore ba ka thusana jang mo go direng dikgwebo tse di nang le dipoelo. Rre Thamani o ne gape a tlhalosetsa khansele ka dithuso tse ba nang natso jaaka la mabogo dinku e le lenaneo le le thusang batho ba ba sa amogeleng madi a sa feteng P2 000. E bile batho bao ba tshwanetse go nna setlhopha sa batho ba le batlhano kana lesome le botlhano. Rre Thamani a re lenaneo la mabogo dinku le ne le direlwa batho ba dikgwebo tse di kwa tlase le ba ba batlang go dira dikgwebo. A re fa e sale lenaneo leo le simolola le tsamaya sentle e bile batho ba teng ba duela sentle go sena mathata. O boleletse khansele fa mo kgaolong ya Ghanzi ba ntshitse P120 million go thusa dikgwebo di le 174 a supa fa madi ao a le mannye thata mo kgaolong eo. O kopile makhanselara go rotloetsa batlhophi go ya kwa CEDA go ya go kopa madi a ba tlaa kgonang go dira dikgwebo ka one. Rre Thamani a re CEDA e thusa Motswana mongwe le mongwe yo o nang le keletso ya go dira kgwebo gore ba kgone go tlhabolola matshelo a bone. A re madi a CEDA a kopiwa go setswe morago di tsamaiso tsa bone. O ne gape a kopa khansele go thusa bodiredi jo bo batlang mekwalo e e tlhokegang fa ba batla madi kwa CEDA. A re gantsi mekwalo e e kwalelwang bodiredi jo bo batlang madi kwa CEDA ga e wele sentle ka jalo CEDA ga e na go thusa motho wa gonna jalo. Rre Thamani a re gantsi fa batho ba batla thuso ko CEDA fa a na le kgwebo ba go lebelela pele gore a kgwebo ya gago e tsamaisiwa jaaka go tshwanetse kana o e tsamaisa Setswana fela go sena mekwalo e e supang gore e dira bontle kana ga e dire sentle. Erile a itebaganya le lenaneo la meraka a supa fa CEDA e kgona go thusa motho yo o ruelang kwa morakeng mme go bonala tota gore morui yoo ke motho yo o tlhokomelang leruo la gagwe sentle e bile fa ba tsena kwa morakeng ba lebelela dilo tse dintsinyana fa ba fitlhela bosupi jwa gore morui o tlhokomela dikgomo tsa gagwe jaaka ba batla, kopo ya gagwe e a atlega. Erile makhanselara a akgela a supa fa ba lebogela lenaneo la Mabogo Dinku ka gore bontsi jwa batho ba dikgwebo tse di kwa tlase ba ne ba sa bone dithuso tse di tshwanang le lenaneo la mabogo dinku. Ba supile fa lenaneo leo le tsile go tlhabolola matshelo a Batswana ka kakaretso. Ba kopa gore lenaneo leo le thuse babereki ba basa amogeleng madi a a fetang P2 500. Makhaselara bane ba batla go itse gore fa ele gore gona le mongwe yo o batlang go rekisa polasi kana moraka motho o a letlelelwa go tsaya madi go reka dilo tsa gonna jalo. Bane ba supa fa bone ba itse gore CEDA e thusa dikgwebo tse di tona fela. economy_business_and_finance 3 Banana ba kereke ba abela mokgatlho Banana ba Head Mountain of God Apostolic Church in Zion go tswa makalaneng a mane a Gaborone, Maun, Francistown le Selebi Phikwe ba abetse mokgatlho wa Bana Ba Letsatsi didirisiwa tsa go tlhapa le dikobo. Banana bao ba ne ba kopanetse mo Maun go tla go tshameka kgwele ya dinao le bolo-tloa ka maikaelelo a go gasa lefoko la Modimo kwa bananeng ba bangwe gore ba kgatlhegele go ikanya Modimo. Mokgatlho wa Bana Ba Letsatsi o thokomela bana ba dikhutshana le ba ba tlhokileng lesego. Fa a bua kwa kabo dimphong eo, mokhanselara wa Shashe, Rre Otlaadisa Ramokone o lebogetse banana ba kereke eo go kgathalela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. A re gantsi banana ba amanngwa le botlhoka tsebe mme a akgola ba kereke eo go bo ba ikgethetse tsela e e molemo ya go tsena kereke le gone go tsaya karalo mo go direng pharolognayo mo matshelong a ba bangwe. O ne gape a supa fa kereke e le botlhokwa mo go fetoleng matshelo a batho, ka jalo a rotloetsa banana go tsena dikereke gore ba kgone go nna le isago e e botoka, a tlatsa ka go re ke boikarabelo jwa bone go fetola matshelo a bone. Rre Ramokone o ne a rotloetsa banana bao go jwala mowa o montle oo lefatshe ka bophara. A re matlhoki a mantsi mme ba thuse fa ba kgonang teng. Modulasetilo wa komiti e e neng e rulaganyetsa kabo dimpho eo wa lekalana la Gaborone Rre Joseph Toitoi o tlhalositse fa ba ne ba kgobokanya madi go reka dimpho tseo. A re ba ne ba bona go tshwanela gore fa ba tla go aba dimpho tseo, ba tshegetse metshameko e le tsela nngwe ya go ngoka banana ba ba santseng ba saila mo mekgwatheng go ikatumetsa gaufi le Modimo le go rotloetsa itshidilo mmele le boitekanelo mo kerekeng. O ne gape a re ba tlhophile go direla kabo dimpho eo kwa mabaleng go na le kwa kerekeng gore ba kgone go ngoka bontsi jwa banana ka ba lemogile fa ba kgatlhwa ke metshameko gore ba kgone go gasa molaetsa wa Modimo sentle. Rre Toitoi o tlhalositse fa ba simolotse ditiro tsa go thusa ka 2009, a tlhalosa fa ba ntse ba abela legae la bana la SOS kwa Francistown fela, mme ngwaga ono ba bona go tshwanela gore ba lebe kwa Maun go thusa mokgatlho oo. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Ba ipela le balwetse Mokwaledi mogolo wa khansele-potlana ya Tutume, Rre Daniel Katjinotjiwa a re Botswana o sa le a ipaakanyetsa ngwaga wa 2016 bogologolo ka ngwaga wa 1996 fa go ne go dirwa tebelopele ya setshaba ya 2016. Rre Katjinotjiwa o boletse seo kwa moletlong wa go ipelela boipuso le balwetsi ba ba robaditsweng kwa kokelong potlana ya Tutume ka Laboraro. A re lefatshe leno le ne la tswa ka tebelopele e neng ya fa Batswana seemo sa go ka baakanyetsa moletlo o mogolo wa dingwaga tse di masome matlhano. O ne a gatelela ka gore Batswana ba na le mabaka a mantsi a go ka ipelela dingwaga tseo tse di masome matlhano ka fa go tla nna le letshego la setshaba se se kutlwelo botlhoko se se tlhokomelang batho botlhe ba ne ba gomagomediwang ke go nyelela ka lebaka la seru se se neng se wetse lefatshe sa HIV le AIDS ka nako eo.A re ka tebelopele kana ponelopele eo, Botswana o ne wa nna lengwe la mafatshe a ntlha go neela balwetsi dipilisi tse di ritibatsang HIV. Rre Katjinotjiwa a re mo nakong ya gompieno, go setse go simolodisitswe lenaneo la go itlhatlhoba le go fiwa kalafi go sa emelwe masole a mmele gore a ye kwa tlase.A re ke maiteko a matona thata ebile le toro ya go leka go thibela kanamo e ntsha e tla fitlhelelwa. O ile a bolela fa kgatelo pele e e dirilweng gape ele ya go atametsa ditlamelo tsa botsogo kwa bathong mo balwetsi ba tsamayang sekgele se se fa tlase ga botlhano go etela kokelo kana kokelwana gape ebile le dipilisi tse di ritibatsang mogare tsa ARV di tsewa mo di kokelwaneng. Gape o ile a leboga badiri ba kokelo eo gobo ba ne ba bona go tshwanela go ipelela boipuso le balwetsi, a re seo se tla dira gore ba lemoge fa ba amega ebile ba tshwenyega ka botsogo jwa bone.O tsweletse a supa fa ba tla kokobalelwa ke ditlhabi ka lerato le kemo nokeng e ba e diretsweng ke badiri bao, e tlaa dira gore ba ntshe mowa wa boitlhobogo mo go bone mme ba sidilege. Ngaka Ivan Kgetse a re e le badiri ba botsogo ba ne ba bona go le botlhokwa go direla balwetsi ba ba robaditsweng boipuso ka ba lemoga fa bone ba sena sebaka sa go ka ya go ipela le batho kwa dikgotleng ntateng ya bokoa. O tsweletse a bolela fa go dira jalo ba ne ba batla go tlisa mowa wa neelano le lerato mo balwetsing gore le bone ba seka ba tlelwa ke mowa wa boitlhobogo, ba bone fa le bone ba lebanwe ke go ipela jaaka Batswana ba bangwe le ntswa ba le mo ditlhabing. Bokhutlo health 6 Batswana ba akola ditirelo tsa NFTRC Dialogane di supa go tswa mo mafelong a a farologanyeng a lefatshe leno a alogile mme a rotloediwa go dirisa botsipa jo ba bo amuleng mo dithutong go tlhabolola matshelo a bone. E rile a abela dialogane ditlankana mo boemo jwa moeteledipele wa NFTRC bosheng, Mme Galase morago ga dithuto tsa malatsi a matlhano tsa go dira di-tswa mashing a supa fa a lemogile fa Batswana ba tsenelela dithuto tsa NFTRC ka dipalo tse di nametsang sebe sa phiri e le gore ga ba dirise maele a ba a ithutileng go fetola matshelo a bone. O gakolotse dialogane gore ba seka ba nna le tumelo ya gore dijo tse di mo mmarakeng ke tse di tswang kwa ntle ga lefatshe leno fela, ka jalo le bone ba dire ka natla go bona gore dijo tsa bone di tsena mo mmarakeng e bile di na le boleng jo bo eletsegang. A re ba NFTRC ba eletsa go bona dikgwebo tsa Batswana di gola, jalo a rotloetsa ba ba neng ba aloga go ya go godisa dikgwebo tsa bone kana ba di simolola e le ntlha nngwe ya go thusa go kabakanya itsholelo ya lefatshe. A re dithuto tse ba neng ba di rutwa di tshwanetse tsa aga mo dipelong tsa bone, jaaka botlhokwa jwa bophepa fa ba tshwere dijo kwa madirelong mme a ba kopa go arogana botsipa jo ba bo tsereng kwa NFRTC le ba bangwe. A re kgolo ya dikgwebo e ka fetola itsholelo ya Botswana le go tlhamela ba bangwe mebereko, ka jalo a supa fa lekalana le le tlhabololang dijo ba itumela fa ba bona Batswana ba tsweletse ka go tsenelela dithuto ka gore se se kaya gore NFRTC e a gola. Mongwe wa dialogane, Rre William Modise o lebogetse dithuto tse ba neng ba di tsene, ka di tlaa ba solegela molemo ka gore ba ntse ba dira dilo fela ba sa lemoge tsa botlhokwa tse di tshwanetsweng go dirwa. A re keletso ya bone e le dialogane ke gore go okediwe nako ya tiro ya diatla le gore malatsi a dithuto a okediwe a bo a kopa lekalana la NFTRC go leka thata go ipapatsa gore dithuto tsa bone di goroge kwa setshabeng. Mo potsolotsong, mongwe wa dialogane, Rre Modisa Taukobong o kaile fa a le mo kgwebong ya mashi kwa Ghanzi mme a ntse a tsamaisa kgwebo ya gagwe fela mo lefifing jaanong o fatlhogile. O ne a tlhalosa fa a ntse a dira ditshenyegelo ka gore tse dingwe tse di tswang mo mashing jaaka tlhowa le lobebe o ntse a di latlha mo a ka bong a di diristse go dira sengwe, ka jalo botsipa jo a bo amuleng o ya go bo dirisa go godisa kgwebo. BOKHUTLO education 4 Puso ga e kgetholole - Venson-Moitoi Puso ga e kgetholole batho ka letso e bile molao motheo wa lefatshe le ga o nyenyefatse ope, ke ka moo Motswana mongwe le mongwe a nang le sebaka sa go ka tsena sekole go sa kgathalesege gore ke wa morafe ofe Tona wa lephata la thuto, tlhabololo dikitso e bile ele mopalamente wa Serowe Borwa, Dr Pelonomi Venson-Moitoi e rile a rola ntlhopheng wa bokhanselara wa phathi ya BDP wa kgaolo ya Moiyabana, Rre Phirinyane Orakanye bosheng, a tlhalosa gore batho ba ba tsamayang ba bua dipuo tsa gore puso ya lefatshe leno e a kgetholola ga ba bue nnete e bile ba seka ba reediwa ka ele bone ba rotloetsang semorafe. Dr Venson-Moitoi o tlhalositse gape gore go nale mapolotiki mangwe ba e rileng ba sena go fenngwa mo ditlhophong tsa phathi ya BDP ba bo ba re ba nna mekoko, mme ke bone ba buang dipuo tse di maswe tse. A re batho ba tshwanetse go ikgapha mo dipuong tse di tshwanang le tse ka ke tsone tse di dirang gore mafatshe mangwe a nne le dintwa ntateng ya semorafe se se rotloediwang ke sepolotiki se se senang boammaaruri. O gateletse gore puso ya lefatshe leno le e tsaya botlhe ka tekatekano mme le ditlhabololo e di kabakanya go ya ka gore madi a teng, le bana kwa dikoleng ba rutiwa fela ka go tshwana go sa twe bangwe ba tswa ntlha nngwe ya lefatshe. O kopile banni ba motse wa Moiyabana go ikgatholosa dipuo tse mme ba tswe mo go ba ba di buang ka di ka isa batho kwa bosuleng. Tona o tsweletse a kopa morafe go ruta bana ba bone sentle e se re gongwe dipuo tse ba di isa kwa tlhogong ka di ka tsala mowa fela o o sa siamang mme ba seke ba gole sentle. Fa a rola Rre Orakanye, Dr Venson-Moitoi o kopile banni ba motse wa Moiyabana go mo amogela ka e tla bo ele ene matlho a gagwe gore ba tlhabolole matshelo le motse wa bone. O kopile Rre Orakanye go dirisana le morafe sentle ka o supile fa o mo rata e bile a ka ba emela kwa khanseleng. O mo kgothaditse gore a tshwaragane le ene gore a kgone go mmolelela tsotlhe tse batho ba motse ba di tlhokang. Dr Venson-Moitoi o rotloeditse maloko a BDP go ema ka dinao bogolo jang ba ba ikwadiseditseng ditlhopho go tlhopha phathi ya bone le baemedi ba bone, a bo a ba kopa go itshekatsheka le go leba kwa morago go bona gore botlhe ba e neng ele maloko a BDP mme ba ikgogetse morago ba boela mo phathing go tla go nonotsha puso ya batho ka batho. Fa a ntsha la gagwe, ntlhopheng wa bokhanselara wa phathi ya BDP, Rre Orakanye o lebogile banni ba motse wa Moiyabana ba phathi ya BDP go bo ba mo tlhophile ka bulela ditswe mme a tlhalosa gore fa a ka fiwa sebaka sa go ba emela kwa khanseleng o ikaeletse go bereka le bone sentle a ba direla ka nako tsotlhe. BOKHUTLO politics 7 Botsogo ke boikarabelo jwa motho Ba sekole sa ithutelo booki sa Gaborone, ba ne ba tshwere letsatsi la botsogo kwa motseng wa Tlokweng. Erile a amogela baeng Kgosikgolo Puso Gaborone, a kopa Batswana go opela pina ya setshaba ka mashetla, ka tlotlo le gone gore ba ipele ka yone. Kgosi o supile gore ba botsogo ba ka dira tsotlhe go tsisa ditlamelo kwa go bone, ba ba tlhatlhoba, ba bo ba ba bolelela gore ba tsogile jang, mme fa batho ba sa tseye kgato ga gona sepe se se ka siamang. O kopile Batswana go tsaya botsogo jwa bone ka tlhoafalo le gore fa ba ikutlwa ba sa ikutlwe sentle ba ye go itekodisa bo botsogo, gore e re ka ngwaga wa 2016 ba bo ba itekanetse. Mogokgo wa sekole sa I.H.S mme Thokgamo Boitshwarelo, o ne a supa fa sekole se se ruta bana ka tsa botsogo jaaka baoki ba ba belegisang, ba ba idibatsang balwetse fa ba ya loarong, ba ba tlhokomelang botsogo jwa legano le bodiredi jwa melemo le go e isa kwa bathong. Mme Boitshwarelo o supile fa mangwe a maitlamo a bone e le go ikgolaganya le maphata le metse ka ditirelo tsa bone. O supile gape fa ba itshwaragantse le ba mmadikole [UB] a supa fa ditlankana tsa dialogane tsa bone di dirwa kwa mmadikole.Mogolwane go tswa kwa lephateng la botsogo ebile e le sebui sa tlotla mme Manana Leburu, o supile fa moono mogolo wa sekole seo e le go itshwaraganya le bodiredi le setshaba. O supile fa ba I.H.S e se la ntlha ba dira tiro ya go tshwana le e, a bo a supa gore ke selo se se molemo gore Batswana ba latisiwe ditirelo, a supa fa malwetse a mangwe a kgona go nna mo bathong mme a sena dikai. O boletse gore malwetse a tshwana le a kankere ya legano, ya molomo wa popelo, madi a matona le bolwetse jwa sukiri e le mangwe a malwetse a a apesitseng lefatshe leno kobo ka letshoba, a bo a supa fa a ka kgonwa fela fa Batswana ba ka tsaya boikarabelo. O kopile Batswana go ikanya go ja dijo tse di nang le dikotla jaaka dinawa, bogobe, morama le maungo. Mme Leburu o gakolotse Batswana gape go itshidila mmele ba dirisa methale ya tlholego jaaka go tsamaya ka dinao, go setla le gone go feela mo lwapeng. O supile gape fa go robala sentle le gone go le botlhokwa, a supa fa Modimo a tlhodile motho a itse gore mmele wa gagwe o tshwanetse go ikhutsa. O boletse fa mongwe le mongwe a tshwanetse go nna le seabe sa go hema malwetse, a tlhalosa fa go thibela go le botoka go na le go alafa. Mme Leburu o boletse fa banana ba na le dikgwetlho tse dintsi tsa botshelo jaaka go dirisa ditagi, go nwa bojalwa phetelela, go kopisa mo go ba bangwe le go sa itshetlela mo maikutlong. O boletse fa ba lekgotla la ditshaba la World Health Organisation [WHO] ba gakolola gangwe le gape ka botsogo. A bo a bolela fa botsogo e le jwa mowa le jwa mmele. society 9 Banana ga ba dirise motlobo Mogolwane wa motlobo wa dibuka kwa Serowe, Mme Chatiwila Loeto a re o tshwenngwa ke go tlhoka go dirisiwa ga motlobo o ke banana. O buile jaana kwa thuto puisanong ya malatsi a mararo kwa Serowe bosheng. Mme Loeto a re o etse tlhoko gore banana ba boutsana go etela motlobo wa dibuka, mme ba tshologela fela ka dinako tsa go kwalwa ditlhatlhobo. A re se se a netefala ka banana go le gantsi fa ba etetse motlobo ba tshwaragana le bothata ba sa itse go dirisa ditlamelo tsa motlobo. Mme Loeto a re ditlamelo tsa motlobo di dintsi e bile di ka solegela banana molemo segolo bogolo mo go ba ba eletsang go nna bagwebi. A re dibalaamakgolo le tsone di teng go ka ba thusa, e bile go na le thutuntsho ya tsone e e tsayang dibeke tse thataro, ka jalo a kopa banana go di tsena. A re motlobo o diretswe mongwe le mongwe go o dirisa ka jalo ba se nne maoto a tshupa go o etela. O bile a supa fa mo malatsing a gompieno phadisanyo mo go tsa kgwebo e ile magoletsa ka jalo go itsalanya le ba mafatshe a sele ka go gokaganya ga maranyane a internet go ka thusa thata ka maele a go tlhabolola dikgwebo tsa mo gae. Mme Loeto a re banana ba ba eletsang go dira dikgwebo ba dirise motlobo ka o na le dibuka tse di ka ba thusang go simolola dikgwebo tsa bone,le go di atlolosa. Banana ba Serowe ba gwetlhilwe go di goga kwa pele mo go diriseng motlobo ka o ka tokafatsa seemo sa thuto go menaganye. Mme Loeto a re ditlamelo di tsewa go sa lopiwe sepe ka jalo banana ba di dirise nako e santse e letla, a tlatsa ka gore dinako di a fetoga mmogo le ditlhabologo,mme ba seka ba salela kwa morago. BOKHUTLO education 4 Go tenega go borai - mogolwane Dipatlisiso di supa fa go kukega ga maikutlo go ka bakela motho bolwetse jwa pelo le madi a matona. Mafoko a, a builwe ke mogolwane wa khansele potlana ya Palapye, Rre Koti Molefi, fa a bula thutopuisano ya malatsi a mabedi ya tsa botsogo mo tirong kwa Palapye. Rre Molefi a re go tenega mo go feteletseng go tlhakatlhakanya maikutlo mme go ka tsisa letshogo, bogale kgotsa go sa diriseng puo e e amogelesegang. Rre Molefi a re go botlhokwa gore bodiredi bo nne bo itekanetse, bo wetse maikutlo ka dinako tsotlhe gore bo kgone go ntsha maduo a a amogelesegang, go na le go bereka ka tenego ka seo se ka digela maduo tlase. A re go tenega go kgoreletsa tirisano mmogo e e lolameng fa gare ga bodiredi, mme a kopa badiri gore ba ele tlhoko gore ga ba tsene mo seemong se se ka ba bakelang bolwetse ka ntata ya tenego e e feteletseng. Rre Molefi a re tenego e mefuta e bile e tla ka ditsela tse di farologanyeng, mme fela kwa bofelong e tlhoka gore ene yoo o tenegang a ithute go laola maikutlo a gagwe, segolo jang batho ba ba kokotletsang botlhoko. A re fa motho a tenega o a bo a tlhophile gore o batla go tenega, a bo a nna le mokgwa wa maikutlo a a sa laolesegeng fela ka gore dinako tse dingwe o tshaba go tsaya boikarabelo a bo a dirisa maikutlo a tenego gore a mo sireletse. health 6 Mapodisi a Moshupa a abela motlhoki Rre Bome o tlhalositse se mo bosheng kwa modirong wa go abela bana ba lelwapa lengwe ba ba neng ba latlhegelwa ke mmaabo yo o neng a bereka e le moithaopi wa twantsho borukutlhi, Mme Malebogo Montsho. O tlhalositse fa mme yoo a tlogetse masea a le mararo, ka jalo ba sepodisi sa Moshupa ba bona go tshwanela go ba rekela diaparo tsa mariga. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa mapodisi a Moshupa Supt. David Ramoseki a re sepodisi sa Moshupa le ba twantsho borukutlhi ba bone go tshwanela gore ba abele bana le nkuku wa bone tse ba di tlhokang. “Maikemisetso a rona ke go bona lelwapa le le tswelela le tshela sentle le bana ba tshela sentle, ba bo ba atlega mo botshelong sehularong sa ga mmaabo,” ga tlhalosa Rre Moseki. O lebogetse botlhe ba ba neng ba tsere karolo mo modirong le gone go kgothatsa ba lelwapa loora Montsho go tshwara ka thata le go atlega mo go tse ba di dirang. Modulasetilo wa komiti ya twantsho borukutlhi mo kgaolong, Kgosi Motlhatlhobi Boitshepho a re ba tshwanetse go sala morago motlhala o o setseng o segilwe ke Rre Ramoseki le badiri ka ene. O ne a re go botlhokwa go kopanya ditlhogo go direla botlhe ba ba tlhokanang le thuso, bogolo jang fa ba le mo mathateng. A re go molemo gore sepodisi sa Moshupa se bo se itsewe ka go dira ditiro tse di ntle tse ba di dirang. O ne a ba rotloetsa go tswelela ba lekola boora Montsho. Mme Itumeleng Montsho o ne a leboga botlhe ba ba tsereng karolo mo modirong o. O ne a tlhalosa fa a lebogela dimpho tsotlhe tse di fiwang bana. “Mmaabo o re tlogetse re sa solofela, rotlhe re ne re setse fela ka kgakgamalo le mahutsana,” a tlhalosa. O ne a rotloetsa ba sepodisi go tswelela ba lekola bana le go bona gore a ba tsogile sentle. society 9 Khama o tlaa tswelela a thusa setshaba Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama a re go fologa setilo sa botautona kgwedi eno e fela ga go ree gore o tlaa emisa Fa a bua kwa moletlong wa go mo tsamaisa sentle kwa Ghanzi ka Labotlhano, Tautona Khama o ne a re go thusa batho ga se maikarabelo a ga Tautona kgotsa puso e le yosi, ka jalo o tlaa tswelela a thusa mo go tokafatseng matshelo a batho le morago ga go tswa mo ofising ya botautona. O ne a supa gore go thusa batho go mo mading le mo pelong ya gagwe. Tautona o ne a kopa badirela puso le baemedi ba setshaba ba sepolotiki go tswelela ba thusa setshaba ka natla le morago ga go fologa setilo. Tautona Khama o lebogile O ne gape a lebogela dimpho tse a di filweng Jaaka gale, e rile fa go tsena mmino wa polka ka sethopha sa Remmogo Polka Group, Tautona a goga Mme wa Lepodisi a tsena le ene mo seraleng. Morago ga go fologa serala, a tlhalosa fa mmino wa polka o a reng o monate o tsweletse ka go gola sentle. Tautona Khama o ne a tlhalosa gore kwa Serowe ga se gore o ya go laele, a re ‘banni ba koo ba re e tlaa bo e le kamogelo ya kgosi ya bone e e sa bolong go tsamanya. Go le pele, mopalamente wa Ghanzi Botlhaba, Rre Noah Salakae o ne a leboga Tautona go laela banni ba kgaolo ya gagwe. Rre Sakake o ne a gakolola morafe gore baeteledipele ba tshwanetse go tlotlwa ka nako tsotlhe. politics 7 Tshwaragano e ka tsisa maduo Batsadi ba Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba dumalane ka bongwefela jwa pelo fa go nna seopo sengwe le barutabana e le yone fela tsela e e ka thusang go ntsha maduo a a itumedisang a baithuti, mme go supasupana ka monwana fa bana ba sa dire sentle go ka se thuse sepe. Batsadi ba re ba tshwentswe thata ke kwelotlase ya maduo a baithuti ba ba sa tswang go fetsa lokwalo lwa bosupa mme ba amogela fa batsadi bangwe ba le moriti o tsididi fela, ka ba sa tseye dikgato tse di maleba ka bana ba bone ba ba sa tseneng sekolo sentle.Ba buile seo mo phuthegong ya batsadi le barutabana e e neng e tshwerwe ka Labobedi kwa sekolong seo. Batsadi ba ne ba supa fa ba nna ka bohutsana fa bana ba sa dira sentle mme ba supa fa go ngongorega barutabana ka nako tsotlhe fa maduo a tla a sa siama e le poelo morago, mme kemokenong ya bone e le botlhokwa. Ba supile fa dikole tse di mabapi le motse wa bone di tshwana le Tshwaane le Khekhenye di dira sentle fela thata ntswa le tsone di lebanwe ke dikgwetlho tse di tshwanang fela le tsa bone,mme fela katlego ya dikole tseo e ikaegile ka bopagano ya barutabana le batsadi. Ba ne ba supa fa ba tlhaloganya fa bokamoso jwa bana bo le mo diatleng tsa bone ebile seabe sa bone se le botlhokwa thata mo thutong ya bana,mme ba solofetsa fa ba tla leka ka bojotlhe go rotloetsa bana go tlhagafalela thuto ka e le yone konokono ya botshelo jwa bone. E ne e rile go le pele, mothusa mogokgo wa sekolo seo,mme Rinah Tlalanyane a itela mo batsading go ba thusa go potlakela seemo sa maduo a baithuti a a welang tlase ngwaga le ngwaga. A re go botlhokwa gore ba thulane ditlhogo le batsadi go bona gore seemo se ka tokafala jang. A re go tlhoka kemonokeng go tswa mo botsading go ba thatafaletsa tiro ka ba itlhokomolosa diphuthego tsa batsadi le barutabana,mme a ikuela mo batsading gore ba thusanye le bone ka go lekola dithuto tsa bana le gone go tswa maano a go tokafatsa seemo sa thuto ya bana. A re ba lebanwe ke dikgwetlho di le mmalwa di tshwana le go tla thari ga bana, go tlogela sekolo ka dipalo tse dintsi mme a supa fa bopagano le tshwaragano ya bone le batsadi e le yone fela e ka thusang go tokafatsa seemo seo. A re bana le bone go lebega ba sa dire sentle mo dithutong ka ba lebanwe ke dikgwetlho tse di ba fitileng, mme a ikuela mo batsading go emisa mokgwa wa go tlogela bana ba le nosi ba ya masimo a supa seo e le sone se rotloetsang gore bana ba seka ba tsena sekolo sentle. A re baithuti ke peo ya lefatshe leno,ka jalo ba tlhokana le thotloetso ya botsadi le barutabana go ba rotloetsa go nosetsa peo e go tsholetsa itsholelo ya lefatshe leno,a tlatsa gape ka go tlhalosa fa babusi ba kamoso ba lefatshe leno e le bone baithuti. education 4 Moepo wa LDM o abela kgotla ya Mmatshumo Ba Moepo wa Letlhakane/ Damtshaa ba abetse kgotla ya Mmatshumo mo kgaolong ya Boteti di dirisiwa tsa diofisi ka lenaneo la bone la go direla setshaba se ba berekelang mo tikologong ya sone. E rile a bua kwa moletlong wa go rola di dirisiwa tseo bosheng, mookamela moepo wa Letlhakane/ Damtshaa Rre Bakani Motlhabani a bolela gore ba ne ba ikopanya le bogogi jwa motse wa Mmatshumo go utlwa matlhoki a bone. Rre Motlhabani a re se ke tshimologo ya tirisano ya sennela ruri fagare ga bone le setshaba ka ba batla gore tiro ya bone ya go amogana le batho ba kgaolo eo maungo a moepo oo a bonale. Rre Motlhabani a re ba tla tswelela ba sekaseka se ba ka se dirang go tlhabolola motse wa Mmatshumo le metse e mengwe e e mabapi e le maikaelelo a bone go bona setshaba se tshela botoka. Fa a ntsha malebo, mokwaledi wa makgotla a Setswana wa kgaolo ya Legare Mme Kgopolo Lehelepa o supile fa LDM ba arabile selelo sa letlhoko la lephata la makgotla a Setswana a re o dumela gore di dirisiwa tse di tla a ba thusa go dira tiro ya bone ya letsatsi le letsatsi. Mme Lehelepa a re malatsi ano go rotloediwa go dirisa maranyane jalo ba moepo wa LDM ba thusitse fela thata ka jaana puso e lebanwe ke letlhoko la madi. O tsweletse a re lephata la bone le lesego ka jaana maphata otlhe a lebanwe ke letlhoko la didirisiwa ka jalo a re o solofela gore babereki ba kgotla baya go di dirisa le maphata a mangwe a puso. A re diofisi tsa makgotla a Setswana tsa kgaolo ya Boteti di lesome le borobabobedi mme mo go tsone tse di nang le dibalamakgolo di tlhano fela jalo ya Mmatshumo e tla bo ele ya borataro. Mo mafokong a gagwe a malebo, mothusa molaodi wa kgaolo ya Boteti, Mme Motsei Maoto o boletse fa ba moepo wa LDM ba diragaditse ditsetlana dingwe tsa maitlamo a ga tautona ka ba file babereki ba kgotla ya Mmatshumo seriti ka ditlhabololo tse di tla ba dirang gore ba rate kwa ba berekelang teng. Mme Maoto o ba kgothaditse go tlhokomela didirisiwa tseo fela thata, a re o solofela gore mokwalo wa seatla e tla nna selo sa maloba kwa diofising tseo. Di dirisiwa tseo di akaretsa ditafole le ditilo, dibalamakgolo tse tharo, difetlha phefo di le nne le motshine oo ntsifatsang e bile o romela dipampiri.BOKHUTLO society 9 Bagwebi ba kgothadiwa go tia moko Modiri wa lekalana la CEDA go tswa kwa Gaborone Rre Moemedi Gaoforwe o rotloeditse bagwebi ba ba botlana ba kgaolo-potlana ya Mahalapye go tia moko mo dikgwebong tsa bone. Rre Gaoforwe o buile mafoko a kwa ditshupong tse di neng di tshwaretswe mo Mahalapye ka fa tlase ga setlhogo se se reng kitso le botsipa ja ditsatlholego konokono ya go nyeletsa lehuma bosheng. Rre Gaoforwe o tlhalositse gore e re matshelo a batho a tlhabologa jaaka puso e eletsa, Batswana ba tshwanetse go nna le se ba ka se dirang go itshetsa gore ba tswe mo lehumeng. A re dikgwebo tse di potlana di supile fa di di goga ko pele mo dikgwebong ka bontsi bo inaakantse le tsone, ka jalo Batswana ba tshwanetse go di tsaya ka tlhwaafalo. Rre Gaoforwe o ne a kgothatsa bagwebi go tsena mo dikgwebong tse ba di ratang ka lorato e le lone le le ka ba kgothatsang fa kgwebo e sa dire sentle go na le go dira kgwebo e ba tsayang gore e tlaa tsenya madi ka bonako mme o sena lorato mo go yone. A re go le gantsi dikgwebo tse di phunyeletsang ke tse di simolotseng di gwetlhilwe ke lorato mo mogwebing ka maikaeleloo a go intsha bodutu mme e re di fetogela mo go ka nneng kgwebo di kgone go itshetlela mo dikgwetlhong tse di di ralalang. O ne a ba gakolola go nna le dibuka tse di tlaa supang motlhala wa dikgwebo tsa bone gore ba itse fa ba bona dipoelo, go kgona go di ntsha e le sesupo fa ba setse ba kopa dithuso tsa madi mo dipolokelong le gone go itse paka e kgwebo e dirang sente le e e sa direng sentle. O tlhalositse fa ba lekana la CEDA ba ikiteile sehuba go ema bagwebi ba ba botlana nokeng ka go ba adima madi a a simololang ka makgolo a matlhano a dipula a ba a tlhokang go oketsa dikgwebo tsa bone gore di gole di kgone go phadisanya le tsa lefatshe ka bophara. Rre Gaoforwe a re gantsi bagwebi ba kgobiwa marapo ke ditselana tse ba tshwanetseng go di sala morago fa ba kopa madi go tshwana le ya go tsisa sesupo sa ka fa o tlaa tsamaisang kgwebo ka teng. O ne a tlhalosa fa tsamaiso e bontsi bo e tshaba ba tsaya gore e batla bo maitseanape mo go tsa kgwebo mme e motlhofo ka mogwebi a supa fela ka fa a tla a tsamaisang kgwebo ya gagwe ka teng. E rile a fa bagwebi ka ene bopaki, Mme Kgalalelo Shoshong yo o itshetsang ka go roka a bua fa a godile a batla go nna moeteledi pele mo tirong mme toro ya gagwe ya fetoga boammaaruri. Mme Shoshong a re kgwebo e ya gagwe, e fetotse botshelo ja gagwe ka gompieno a kgona go itshetsa le ba lelwapa la gagwe. Fa a mo tlatsa Mme Keeme Sesoma yo ene a itshetsang ka go apaya a tlhalosa fa a kgonne go ikagela ntlo. Mme Sesoma a re o kgonne fela ka go boloka madi mme gape a feletsa a itheketse dipodi. Ditshupo tse di ne tsa konotelelwa ke kabo ya ditlankana mo go ba ba dirileng sentle go ya ka ditlhophana tsa dikgwebo tsa bone go akaretsa baroki,babetli, babopi le ba ba dirisang tse di sa tlholeng di le mo tirisong go dira ddirisiwa tse dingwe. economy_business_and_finance 3 Sekole sa Boatlaname se tlaa nna le motlakase Mokwaledi wa lephata la thuto, Mme Grace Muzila, a re ba solofetse gore thulaganyo ya go gokela motlakase kwa sekoleng sa Boatlaname mo kgaolong ya Kweneng, e wetswe pele ga ngwaga o ya bokhutlong. E rile a tsibogela matshwenyego a banni kwa phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke tona wa Thuto le Tlhabololo Dikitso, Dr Pelonomi Venson-Moitoi bosheng, Mme Muzila a tlhalosa fa lephata la thuto le tlhaloganya bothata jo dikole di tshwana sa Boatlaname di lebaganyeng najo ka go tlhoka ditirelo jaaka motlakase. O tlhaloseditse ba Boatlaname fa thulaganyo ya kgokelo ya motlakase kwa motseng oo, e tlaa dirwa gape mo dikagong tsa puso tse di akaretsang kokelwana le diofisi tsa kgotla. Baagi ba motsana wa Boatlaname ba ne ba ntsha dingongorego ka go farologana jaaka palo e e kwa tlase ya badiri ba lenaneo la Ipelegeng, go tlhoka molomaganyi wa lenaneo la LIMID le go kgaolwa ga metsi kwa kgotleng ke ba koporase ya Water Utilities Corporation (WUC). Mothusa mokwaledi wa makgotla a Setswana kwa kgaolong ya Kweneng, Mme Tjingani Phaladze, o ne a tlhomamisa fa seemo seo se sa ame kgotla ya Baotlaname fela mme a tlhalosa fa tiego e bakilwe ke gore ba ne ba sa ntse ba tshwaragane le ba koporase ya metsi go rarabolola dituelo go ya ka dikgwedi. BOKHUTLO education 4 Bana ba tlhoka go thijwa Batsadi ba baithuti ba ba tsenang kwa sekolong se segolwane sa Metsimasweu kwa Serowe ba sa tswa go gwetlhiwa go tsaya karolo mo dithutong tsa bana ga mmogo le maitsholo a bone go tokafatsa maduo a sekole seo. Kopo e, e dirilwe ke mogokgo wa sekole seo Mme Oaitse Kgosiejang fa a ne a buisa phuthego ya barutabana, bana le batsadi bosheng kwa sekoleng seo. A re fa botsadi bo ka tshwaragana le barutabana go ka se pale sepe gore maduo le maitsholo a bana a tokafale. Mme Kgosiejang o tlhaloseditse phuthego gore go tlhoka tsebe ga baithuti ba sekole sa gagwe go amile maduo a sekole fela thata, sebe sa phiri e le gore batsadi ba maoto a tshupa go tsenelela diphuthego tse maikaelelo a tsone eleng go amogana megopolo ya go rarabolola mathata a bana. O tsweletse a supa fa maitsholo a a makgaphila a baithuti a rotloediwa thata ke batsadi bangwe ba ba tlogelang bana ba nna ba le nosi kwa malwapeng, segolo bogolo mo dinakong tsa temo ka ba a bo ba le kwa masimo. Mogokgo a re, “Gangwe le gape fa re latedisa bana ba go tlhoka tsebe, re lemogile gore bana ba tlogelwa ba sena tlhokomelo ya botsadi kwa malwapeng. Selo se se borai fela thata mo kgodisong ya ngwana ka fa ngwana a tswa mo tseleng go a bo go sena ene yo a ka mo kgalemang ka jalo go kekele go fitlha kwa sekoleng,” Le fa go ntse jalo, Mme Kgosiejang o kopile batsadi go ba inela diatla metsing ka mo dinakong tse dingwe baithuti ba tla a patelesega go rutelwa kwa ntle ka mabaka a gore matlwana a bone a borutelo a a ntshafadiwa. A re e tla bo e le tshwetso ya go ba babalela mo botsogong ka pente e na le monko o o sa siamang fa e le gone e tshasiwang E rile fa a itebaganya le maitsholo a bana a a duleng mo tseleng, mookamela lekalana la Pastoral Care go ne kwa sekoleng seo, Rre Tiroyakgosi Ntshekang, a re ba itumile molomo wa tlase go gagamatsa setoropo go tsenya bana mo tseleng mme a gatelela gore se, se ka kgonagala fela fa batsadi ba ka tshwaragana le barutabana. A re go nna le seabe mo thutong ya ngwana o le motsadi ke maikarabelo a a ka betlelang ngwana tsela e e siameng ya botshelo. Rre Ntshekang o ne a lekodisa phuthego ka matshwenyego a ntseng a apesitse sekole sa bone kobo ka letshoba segolo bogolo a letlhoko la metsi a a neng a emisitse ditiro tsa tsatsi le letsatsi. A re go tsibogela seemo se go rekilwe ditanka tsa dijojo tsa selekanyo sa dilithara tse 5000 di le nne le tsa tse 2500 di le pedi, ka jalo a tlhalosa fa seemo se tla tokafala. Fa a tlhotlhora kgetsi bopi, morutabana wa tsa botaki Rre Oarabile Lonana o kopile batsadi go nna ba tla go lekola maduo a bana nako le nako eseng ba emela maduo a setlha fela. A re se, se ka thusa go tsibogela ngwana fa a na le bothata nako e sa le teng. Fa a ba kgwa kgaba motsadi mongwe, Rre Kakanyo Mokwena a re o tshwenngwa ke baithuti ba e reng sekolo se tswa ba bo ba sasankega kwa mapagamelong a dikoloi tsa setshaba. A re selo se ka bo sone se na le thotlhoetso e tona mo maitsholong a a sa eletsegeng mo moithuting ka jalo a kopa batsadi ka ene go se ela tlhoko. O tsweletse gape a kgala boradikhombi ba e reng fa nako ya go tswa ga bana di atamele di bo di letsa ka modumo o o kwa godimo go ngoka baithuti go pagama. Bokhutlo education 4 Masole a agetse motlhoki ntlo Dialogane tsa masole tsa monongwaga tsa maemo a a kwa tlase ba supile mowa wa kutlwelo botlhoko fa ba ne ba rolela Rre Oatile Gobatwamang ntlo mo Metsimotlhabe. Rre Gobatwamang yo go tlhalosiwang a ne a kile a direla sesole sa Botswana go fitlhela a tlogela tiro ka ntlha ya botsogo ka ngwaga wa 1991, a dule motlhoki ka lebaka lone le. E rile fa a bua kwa moletlong oo, o o neng o tshologetswe thata ke ba sesole sa Botswana le batho ba motse, dipina le dikoma e le matsorotsoro, Kgosi Kgari wa boraro a lebogela tiro e ntle e e dirilweng ke masole. O kaile fa sesole sa lefatshe leno se tsweletse ka go supa mowa wa bopelotlhomogi le go direla setshaba ka botswapelo, mme se se tlotlomadiwa ke go thusa ba ba kobodikhutshwane. Kgosi o tsweletse ka go tlhalosa fa mo malobeng go ne go sena mohumanegi kgotsa go ne go le thata go ka farologanya motlhoki le yo o itsholetseng ka gore morafe ka nako eo o ne o bopagane jaaka ngata ya dikgong. Fa a fa sekai o tlhalositse fa melaletsa le mafisa e ne e le mekgwa e e siameng ya go rotloetsa tirisano mmogo le neelano mo bathong, ka jalo di ne di tsholetsa matshelo a ba ba kobodikhutshwane. Godimo ga moo o lebogile thata banana ba masole ba ba agileng ntlo ga mmogo le ramasole yo a mo akgotseng thata ka a re o tshegeditse puo e e reng lore lo ojwa le sa le metsi. A re tiro e ba sesole ba e dirileng e supa tota gore ga ba lebale setshaba se ba tswang mo go sone, e bile ba itlamile go tlhabolola matshelo a Batswana. Le fa go ntse jalo kgosi o gateletse botlhokwa jwa go abela mongwe ka wena ka a re ga go tlhoke gore fa motho a aba go bo go tletse sesigo mme fela go tlhoka lerato le kutlwelobotlhoko ka gotwe bana ba motho ba kgaogana tlhogwana ya tsie. Erile a tswa la gagwe Colonel Leruri Dijeng, a tlhalosa fa e ne e le lantlha mo ditsong tsa sesole sa Botswana go thapiwa basadi mo sesoleng ba maemo a kwa tlase. Mme o supile fa baithuti bao e ne ya re fa ikatiso ya bone e ntse e tsweletse ba supa fa ba batla go direla mongwe yo o tlhokileng lesego mo setshabeng mme ke ka fa ba kgonneng go aga ntlo ka madi a a tswang mo dipateng tsa bone. Ba kgonne go kokoanya madi a a fetang P90 000 go aga ntlo ya dikamore tse pedi le sephatlo, e e nang le metsi le bolao. O kaile fa e se lantlha sesole se dira ditiro tsa mothale o. A re ko Kazungula baithuti ba mophato o mongwe ba reketse sekole se se botlana dikhompiutara di le lesome fa kwa Paje ba bangwe ba agile lefelo la boiketlo kgotsa fun park. E rile a amogela mpho eo Rre Gobatwamang a tlhalosa fa a tletse ka boitumelo mme e bile a leboga Modimo ka se a se mo diretseng. A re o leboga ba sesole go menagane go bo ba gakologetswe gore le ene o kile a direla sesole ka mpho e e kalokalo. BOKHUTLO society 9 Nnotagi e diphatsa mo matshelong Kgosi Mogotsi Marotwane wa Machana o tlhagisitse fa tiriso botlhaswa ya nnotagi e tsenya matshelo a batho mo diphatseng. E rile fa a bua mo potsolotsong Kgosi Marotwane a tlhalosa fa tiriso botlhaswa ya nnotagi e ama maitseo le botsogo jwa motho, a tlhalosa fa diritibatsi le nnotagi di setse di fetogile bolwetse mo motseng. O ne a tlatsa ka go re go dirisiwa motokwane ga mmogo le go iphetisa dino mo go amang banana ka bontsi. O ne a kopa batsadi gore ba seka ba ipona tsapa go kgalema ga mmogo le go tswa ka tharabololo ya sennela ruri tebang le seemo se. O tlhalositse fa ditlamorago tsa nnotagi di sa jese monate gotlhelele, a tlatsa ka go re go nnile le dintwa tse di bakileng dikgobalo ga mmogo le dintsho. A re go latlhegelwa ke setho se Batswana ba itsegeng ka tsone go godile, mme jaanong go tiriso matlhapa le maitseo a a makgapha, selo se a tlhalositseng fa se goga serodumo sa lefatshe mo seretseng. A re tiriso ya nnotagi e baka gape kanamo ya malwetse a dikobo ga mmogo le mogare wa HIV ka jaana go le gantsi e baka dipetelelo. “Baji ba motokwane le bojalwa go le gantsi ba latlhegelwa ke taolo ya maikutlo, go itseela dikobo ntle le tumalano ke selo modiro mo go bone,” o buile jalo. O ne a tlhalosa fa motokwane o gogelwa fela mo pontsheng, a tlatsa ka go re bogologolo o ne o gogwa mme e nna phitlhela, seo e le go supa tlotlo le go sisimoga batsadi. A re bojalwa bo ne bo nowa ke bagolo mme gape bo nwelwa mo selekanyong, e bile bo nowa ka dinako tse di rileng. “Malatsi a ke mokgabo go ja motokwane. Bojalwa ga ke bue, go tsogelwa mo go jone. Bana le bagolo ga go na pharologanyo,” a tlhalosa. A re mangomo ke gore bomme ba e leng bone thari ya setshaba le bone ba itepatepantse le tiriso ya nnotagi, selo se a kaileng fa jaanong se baka tsukatsukano mo malwapeng e bile se beile kgodiso ya bana mo diphatseng. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Marotwane o ne a tlhalosa fa puso e dirisa madimadi go alafa malwetse a akaretsa jwa tlhaloganyo jo gantsi bo itiretsweng ka bomo ga mmogo le jwa AIDS. A re keletso ya gagwe ke gore puso e gagamatse phogwana botlhe ba dikgang tsa motokwane le nnotagi ka jaana dikatlholo di le kwa tlase e bile di sa dire sepe go reba bagwebi ba ditagi bogale le ntswa ba beile matshelo a setshaba mo kotsing disaster_accident_and_emergency_incident 2 Balemi ba gakololwa go tlhabolola ditsha Balemi kwa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba gakolotswe go emisa go rekisa ditsha tsa masimo mme ba di tlhabolole gore ba kgone go akola mananeo a puso e a tlhamileng ka a ka ba thusa go itshimolodisetsa dikgwebo le go intsha mo lehumeng. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo bosheng, modulasetilo wa komiti ya balemi barui ba kgaolo ya Kweneng Bophirima, Rre Thomas Batlhophi a re puso e otlolotse letsogo go thusa Batswana ka mananeo a tshwana le la ISPAAD le go lemelwang balemi mahala mme a kaya fa go le botlhokwa gore ba inaakanye le mananeo ao go itlhabolola. Rre Batlhophi o supile fa botshelo jwa Motswana bo ikaegile ka temo thuo, mme a supa fa go tshwenya go bona bangwe segolo bogolo banana ba rekisa lefatshe le ba ka bong ba le tlhabolola gore ba akole mananeo e bile gape ele bone ba le tlhokang go gaisa mongwe le mongwe. O supile fa lefatshe e le boswa jo bo tshwanetseng jwa somarelwa go amoganwa ke dikokomane ka go tlhatlologana, mme a tlhalosetsa banni gore ba tshwanetse go tlhabolola ditsha gore ba akole mananeo le gone go tila gore di seka tsa tsewa ke ba lekgotla la kabo ditsha ka go di rekisa go ka seke go ba solegele molemo. O gakolotse banana go tlhaloganya fa lefatshe le sa oketsege mme go oketsega palo ya batho. A re mo nakong eno puso e lela ka tlhaelo ya lefatshe mme go a gakgamatsa go bona banana bone ba tsweletse ka go le rekisa ntswa ba ka kgona go le dirisa go ikapola kgwetlho ya letlhoko la ditiro le gone go tlhamela ba bangwe mebereko. O gwetlhile banni go supa mowa wa ponelopele ka go tsaya boikarabelo jwa go fedisa lehuma mo matshelong a bone ka go tlhoafalela temo gore ba ntshe dijo tse di jewang ke batho mo malwapeng le tse di ka jesang lefatshe leno. A re puso e itlamile go tokafatsa mohama wa temo le matshelo a Batswana ka kakaretso e bile e tsweletse ka go tlhama mananeo a a farologaneng a tshwana le le sa tswang go simolodisiwa la ISPAAD e e faphegileng, mme fela a bolela fa go le mo maruding a bone go a dirisa gore ba itirele botshelo le bokamoso jwa bana ba bone. Mo go tse dingwe, Rre Batlhophi o kgadile barui ba ba sa tlhokomeleng leruo la bone ka ba le tlogela le saila kwa masimong mme e re morago ba itlhokomolose dikgang tsa majo ntswa puso e dirisitse madimadi go lemela Batswana. Rre Titus Matthys o supile fa mananeo a puso e a ntshitseng go akarediwa la temo thuo la ISPAAD, a le molemo fela thata mme a tlhokana le gore Batswana ba a dirise ka natla le boikarabelo gore a ba solegele molemo Rre Otlhophilwe Segaise ene o gateletse botlhokwa jwa gore Batswana ba tsibogele mananeo a puso e a ntshitseng mme ba seka ba a kgala fela ba ise ba a lekeletse. A re ene o ne a ikopetse lenaneo la LIMID mme le mo tswetse mosola fela thata. BOKHUTLO politics 7 Ba tlhagisitswe ka malwetse Batswana ba kopilwe go emisa go etela kwa mafatsheng a bophirima jwa Afrika, a a amilweng ke bolwetse jwa Ebola. Go buile jalo Kgosi Mosadi wa Ramotswa ka letsatsi la boipuso. O boletse fa lefatshe leno le sale le ntsha tlhagiso ya gore go emisiwe go ya kwa mafatsheng, mme go hakgamatsa go utlwa gore Batswana bangwe ba sa ntse ba a etela. O boletse fa go obamela Modimo go se molato, mme go le botlhokwa gore Batswana ba ikilele, a bo a supa fa bolwetse jo bo le borai fela thata, mme go le botlhokwa go bo thibela ka e bile Batswana ba le palo potlana . O boletse fa ntwa kgatlhanong le bolwetse jwa HIV/AIDS e ise e fenngwe, a bo a kopa Batswana go kgaola keetane ya bakapelo le gone go itshwara sentle. O kopile ba ba rekisang mebele ka ntlha ya letlhoko la ditiro, go tsaya mananeo a puso, go na le go tsenya matshelo a bone mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetse. Molaetsa wa ga Tautona wa boipuso o o neng wa rolwa ke molaodi wa kgaolo ya Borwa Botlhaba, Rre Ian Tema, o bolela fa go itumedisa go bona lefatshe leno le atamela dingwaga tse di masome a matlhano le tsweletse pele ka Kagiso le thokgamo. Tautona o boletse fa pele ga lefatshe leno le tsaya Boipuso le ne le balelwa mo go a a lesome a a humanegileng thata. O boletse fa lefatshe leno le ne le se na ditsela tsa sekonotere, mme go ne go na le ya boleele jwa dikhilomithara tse thataro, mme gompieno ditsela tsa lefatshe leno di kana ka thapo tsa leselo. O boletse fa gape borre le bomme ba ba thaileng lefatshe leno ba ne ba na le tebelopele ka ba ne ba jwala mowa wa boipelego, popagano le puso ya batho ka batho. A re go a itumedisa go bona ekete go wela tlase ga itsholelo lefatshe ka bophara go a fokotsega, ka jalo go tlaa kgona go fokotsa go gola ga ditlhwatlhwa. Molaetsa wa ga Tautona wa re mongwe wa monosetso ya itsholelo ke go re puso e be e tsweletse e fetolela motsemogolo Gaborone go nna boremelelo jwa kgwebo ya diteemane, jaaka fa ba ne ba kgona go fudusetsa diteemane mo Botswana go tswa Lontone. O boletse fa puso e dupile meepo mengwe ya diteemane mo lefatsheng leno le go bona metlhala e mesha ya go di epa, a bolela fa se se lelefatsa botshelo jwa meepo, se bo se baya lefatshe leno mo maemong a ntlha a go ntsha le go rekisa diteemane. Mo molaetseng o, Tautona o boile a lekodisitse fa monongwaga balemi ba feta dikete tse di lekgolo ba beile ditema di feta dikete tse di makgolo mararo, mme ba solofetse thobo e e nametsang. O boletse gape fa mhama wa loruo o itumedisa, ka matlhabelo a BMC a boetse mo maemong a mantle a go kgona go rekisa nama ya kgomo kwa mmarakeng wa Yuropa le wa mafatshefatshe. A re gape go a itumedisa go bo monongwaga lekgotla la UNESCO le kwadisitse makgobokgobo a Okavango jaaka letlotlo la tlholego le le faphegileng lefatshe ka bophara. Bokhutlo health 6 Go itlhokomolosa melao go a tshwenya Mothusa mookamela mapodisi a Serowe e bile e le mogolwane wa twantsho borukutlhi, Assistant Superintendent Thomas Nkoga, a re o tshwenngwa ke go itlhokomolosa melao ya tsela ga bakgweetsi. O boletse gore ba kwadisa dikgang di le dintsi tsa go kgweetsa go itshietswe dinotagi, go kgweetsa go se na teseletso ya go kgweetsa le go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng. Assistant Superintendent Nkoga o tlhalositse fa ba itepatepantse le seemo se mme ba leka ka bojotlhe go lwantsha bothata jo. Mothusa ramapodisi o kaile fa melato ya mothale o gantsi e dirwa ke banana ka ba na le madi a mantsi e bile ba sa tlhole ba laolwa ke batsadi. ASP Nkoga o ngongoregile ka beng ba marekisetso a go sa nwelweng fa go oneka ba letla bareki go nwela bojalwa fa pele ga marekisetso ao, a re go dira jalo ke molato o bobedi jo bo ka o lebisiwang. Rre Nkoga o boletse fa go okeditswe dikatlholo ka ba lemogile gore go dira melato ke bakgweetsi ke selo modiro. Assistant Superintendent o rotloeditse setshaba go obamela melao ya tsela ka e ka ba thusa go hema dikotsi. A re sepodisi sa Botswana se leka thata go ruta setshaba ka thulaganyo ya Itshireletse le diphutego go ikgapa mo diemong tse di ka ba tsenyang mo diphatseng le go gapa matshelo a bone. O kopile Batswana go itshireletsa mo ditseleng gore ba fitlhelele Tebelopele ya ngwaga wa 2016. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Monna le morwawe ba tshwaretswe letsomo Monna mongwe wa dingwaga tse di masome matlhano le bosupa le morwawe wa gagwe wa dingwaga tse masome mabedi le bosupa ba mo diatleng tsa mapodisi go thusa ka ditlhotlhomiso morago ga go belaelwa ba tsoma e se ka fa molaong. Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA, Mookamela mapodisi a Tshane, Superintendent Vusimuzi Jorowe a re tiragalo eo ba e begetswe ka letsatsi la Tshipi mme ba latedisa pego eo. Ba ne ba fitlhela borre bao go tswa kwa motsaneng wa Ngwatle mo kgaolong ya Kgalagadi Bokone, ka dinama tse go belaesegang e le tsa diphologolo tsa naga le digwapa di oletswe mo dikgetsaneng tsa di 12.5kg di le supa. Supt Jorowe a re ditlhotlhomiso tsa ba sepodisi di santse di tsweletse, mme a tlhalosa fa e tla a re fa di wela, borre bao ba isiwe fa pele ga lekgotla la ga Mmakaseterata kwa Hukuntsi go arabela molato wa bone. O ne a gwetlha banni ba metse e e gaufi le mafelo a diphologolo tsa naga go ikgapha mo go tsomeng kwa ntle ga diteseletso ka jaana letsomo ga le ise le bulelwe. Mo go tse dingwe, Supt Jorowe a re ba tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le boraro wa kgotla ya Ga-Monyemane kwa Lehututu morago ga go belaesega mo molatong wa bogodu jwa leruo. Go ya ka Supt Jorowe, monna mongwe wa dingwaga di le masome a masupa wa kgotla ya Ngologa go tswa kwa Lehututu, o ne a tlisa boikuelo kwa go ba sepodisi a tlhalosa fa ngogola a ne a timelelwa ke kgomo e namagadi e e neng e tsamaisa namane. A re mongongoregi o ne a tlhalosa fa ka lesego kgomo tseo, di ne tsa bonala monongwaga kgwedi eno, e le malatsi a le lesome le boraro, mme ebile a bega fa kgomo eo, e tla ka namane eo, mme e beilwe tshipi e sa itseng. O boletse gore go latedisa boikuelo jwa mongongoregi, ba sepodisi ba ne ba latedisa tshipi eo, mme ya supa fa e le ya monna mongwe wa motse wa Lehututu. A re mmelaelwa o ne a itshupa fa pele ga lekgotla la Mmakaseterata wa Hukuntsi ka Labotlhano, mme ga laolwa gore a name a tshegeditswe mo kgolegelong malatsi a le lesome le bone go fitlhelela ditlhotlhomiso tsa ba sepodisi di wela. O ne a gwetlha barua-kgomo go tlhokomela leruo la bone ka dinako tsotlhe go itsa gore di seka tsa ba tswa diatleng. crime_law_and_justice 1 Maidi o tlaa tsena moletlo wa ba-na-le bogole Mapodisi a Tshane kwa kgaolong ya Kgalagadi a tshegeditse mosadi wa dingwaga tse di ka tshwarang masome a mararo le bongwe mabapi le leso la monna wa dingwaga tse di ka Monna yo, yo o tlholegang kwa Hukuntsi, o tlhokafatse morago ga gore mmelaelwa a mo thule ka koloi ka letsatsi la Tshipi mo mosong. Mookamela mapodisi a Tshane, Superintendent Vusimuzi Jorowe, o tlhalositse fa mmelaelwa a ne a kgweetsa koloi ya modiro wa Toyota Surf, e go belaesegang e ne e kgweediwa makgwagwa mo ga re ga motse mme ka go tlhoka lesego ya thula motsamaya ka dinao. Supt Jorowe a re moswi o ne a bona dikgobalo tse di masisi, mme a ragosediwa kwa kokelong ee potlana ya Hukuntsi, kwa a fetileng a tlhatlhobiwa ke ba bongaka mme ba rurifatsa fa a setse a tlhokafetse. A re le ntswa ditlhothomisso di ise di wele, go supagala fa mmelaelwa a sena teseletso ya go kgweetsa ka jalo, fa a ka bonwa molato ke lekgotla la ditsheko o ka atlholwa madi a a ka tshwarang, makgolo a matlhano a dipula go ya kwa diketeng tse pedi tsa dipula, kana fa a ka retelelwang ke go duela madi ao, a lebanwe ke kgoro ya toronko ya dikgwedi tse thataro. O ne a tlatsa ka gore, fa go ka lemosega gore mmelaelwa o bakile leso leo ka ntlha ya go kgweetsa makgwakgwa, mmelaelwa o ka lefisiwa madi a a ka tshwarang dikete di le lesome go ya kwa diketeng tse di lesome le botlhano, mme fa a ka retelelwa ke go duela madi ao, o tla a tsena toronko ya dingwaga tse tlhano go ya kwa go tse di lesome go lebilwe mabaka a kgang. Supt Jorowe, a re ba losika ba setse ba begeetswe ka tiragalo eo, ebile moswi o setse a tswa go dirwa ditshekatsheko go tlhomamisa se se bakileng leso la gagwe. E re dikgang di eme jalo, Supt Jorowe, o ne a supa gape fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre mongwe wa dingwaga tse di fa gare ga masome a marato le masome a marataro le botlhano, yo o tlholegang kwa Zutshwa a fitlhetswe a tlhokafetse mo ntlong. Go ya ka mookamela mapodise a Tshane, rre yoo, o fitlhetswe ke ba Home based care, ka letsatsi la Mosupologo ka nako ya boraro mo tshokologong fa ba ile go mo lekola ka jaana a ne a le ka fa tlase ga tlhokomelo ya bone. A re batlhokomedi bao, ba ne ba begela ba kokelwana ya Zutshwa mme ba itshwaraganya le mapodisi ka jalo, rre yoo a fetisetswa kwa Hukuntsi go ya go tlhatlhobiwa ke dingaka, ka maswabi ba tlhalosa fa a setse a tlhokafetse. BOKHUTLO politics 7 Ba tlhoma Kgosi Nkwe Kgosana Matlhare Nkwe o kgothaditswe go tshwara morafe wa gagwe ka tekatekano, go o sireletsa le go o letlanya ka botswapelo gore o tle o mo tshephe. Mafoko a, a boletswe ke mothusa kgosi wa Balete, Kgosi Tsimane Mokgosi jaaka a ne a tlhoma Kgosi Nkwe mo setilong kwa kgotlaneng ya Madisakwana, kwa Ramotswa ka mafelo a beke. Kgosi Mokgosi o tlhalositse fa tiro ya bogosi e le kgwetlho, mme go le botlhokwa gore Kgosi a itse fa morafe wa gagwe o farologana ka maikutlo le boitshwaro. O tlhalositse fa go le botlhokwa go tshwaragana le morafe, mme a mo rotloetsa go dirisana le magosana a dikgotla tse dingwe, gore a tle a kgone go anywa go le go ntsi mo go bone. O mo gakolotse gape go dira ka natla jaaka ba ba fetileng, a bo a mo kopa go tshegetsa serodumo se Badisakwana ba itseweng ka sone sa kagiso, le gone go epolola bokgoni jo ba nang le jone. Kgosi Mokgosi o mo rotleditse go itse bokgoni jwa morafe wa gagwe, a bo a ba abele ditiro go ya ka bokgoni jwa bone, mme ba dire ditiro tsa bone ka thulaganyo. O boletse fa motse o agwa ke makgotla, mme makgotla a agwa ke malwapa, mme a leboga fa Kgosi Nkwe a na le Mosadi le bana. O gakolotse Kgosi go se rwale bogosi ka tlhogo, ka jaana o ka timelelwa ke tsela ya se tota bogosi e leng sone. E rile a amogela thomo, Kgosi Nkwe a supa fa a ikaelela go e dira ka bonatla go tsweledisa fa a ntseng a tshwere teng. O supile fa a ka kgona se fela fa a tshwaraganye le morafe, a bo a ba kopa go mo gakolola fa a dira phoso. O kopile morafe go tsena diphuthego tsa kgotla fa a bitsa, ka gore fa ba sa tle ba ka mo paledisa tiro. Malomaagwe Kgosi Nkwe, Rre Thapelo Molefe, o tlhalositse fa tiro ya bogosi e le bokete, a bo a supa fa bangwe ba tlaa leka go mo timetsa ka go mo fa pipamolomo masigo, mme a mo gakolola go tsepama le go tshephega. O kopile morafe go gakolola kgosi fa a dira phoso, gore a tle a kgone go dira tiro ya gagwe ka botlalo. BOKHUTLO politics 7 BSB e abela baithuti matsela dithiba molomo le nko Mme Kabelo Magosi wa Botswana Savings Bank (BSB) a re ka go lemoga borai jwa bolwetse jwa COVID-19 ba bone go tshwanela go thusa baithuti ka di mask. Mogolwane yo, o buile jaana bosheng kwa Mabeleapodi jaaka a ne a abela sekole se sebotlana sa Mabeleapodi di mask di le 125. A re bogogi jwa BSB bo ne jwa tsaya tshwetso ya go dira mokgatlho o o tlaa itebaganyang le go thusa mo nakong ya segajaja. A re BSB ba tlhaloganya fa di mask di le botlhokwa ka e le nngwe ya tse di beilweng go thibela kanamo ya mogare wa corona ntleng le go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa kana go itshasa di sanitizer. Mme Magosi a re ntswa mongwe le mongwe a tlamega go dirisa di mask, go na le bangwe ba ba ketefalelwang ke go di reka lebaka e le letlhoko la madi. A re mo go tsibogeleng se, ba BSB ba ne ba thulanya ditlhogo go bona gore ba ka thusa jang mme ba dumalana gore BSB e tlaa tlhopha dikole dingwe kwa diofisi tsa yone di leng teng go thusa. A re ba thusa dikole ka lenaneo la boithaopo la badiri ba BSB la I Care le le ka fa tlase ga lenaneo la thulaganyo ya BSB e e ntseng e le teng ya go thusa ba ba tlhokileng lesego. A re BSB e tlaa abela dikole tse di tlhophilweng di mask di le 1 500 lefatshe ka bophara. Fa a lebogela dimpho tseo, mogokgo wa sekole se sebotlana sa Mabeleapodi, Rre Alfred Ngwanabotho a re didirisiwa tseo di tsile ka nako e e lebanyeng e puso e lebaganeng le mathata a segajaja sa COVID-19 mme e tlaa thusa baithuti ba mo nakong eno go nang le ba ba sa kgoneng go reka dilamelo tseo. A re go tlhoka di mask ga baithuti bangwe go kgona go ba kgoreletsa mo dithutong ka bangwe ba tla ba ithibile ka matsela a farologanyeng, selo se se ntseng se tshwenya bogogi jwa sekole ka go belaela di sa ba sireletsa sentle. O ne a supa fa ba tlaa neela baithuti ba ba nang le letlhoko gore le bone ba tle dithutong ba phuthologile ka ba tlaa bo ba tshwana le ba bangwe. health 6 A go riana selo se diboko di ka ruega E le ruri maano a botshelo ga asite go sita a loso. Se se netefaditswe ke Rre Bagali Kesebonye wa kgotla ya Chichana kwa Serowe. Monana yo wa dingwaga tse di masome mararo le boraro o supile se ka go dira selo se se sa tlwaelesegang thata ka go rua diboko tse ka sejatlhapi di bidiwang earthworms, tse a tlhalositseng fa di dirisiwa go dira menontshane ya dimela. Rre Kesebonye ntswa a na le bogole, o supile fa seo se ka paledisa motho go itirela ka diatla go itshetsa. Mo puisanyong le BOPA, o tlhalositse gore o simolotse go rua diboko ka 2014 morago ga gore moagisanyi nae, Rre Bokamoso Mbaiwa, yo ka nako eo a neng a fetsa dithuto tsa gagwe tse dikgolwane kwa sekoleng sa BOTHO a ne a mmolelela fa a badile mo interneteng ka thuo ya diboko. Seo sa utswa pelo ya lekawana le. “Ntswa ke ne ke sa bona ka matlho ame, ke ne ka nna le kgatlhego e tona thata, mme ra utlwalela gore ba sekole sa Botswana College of Agriculture ba di ruile, ka moo ra ya go kopana le bone go ya go ithuta ka mothale o wa thuo.” Monana yo a re o ne a kopana le Rre Ellias Ramabu, yo o ileng a se ka a mo felela pelo, a mo tlhatlhelela gotlhe ka thuo ya diboko. Rre Kesebonye o ne a utlwalela morui wa diboko kwa Francistown, rre yo o tlholegang kwa Australia, ka jalo a mo etela kwa a ileng a reka 1kg ya diboko teng go simolola kgwebo. Mo bogompienong o dumela fa e le ene fela wa kgwebo ya mofuta o, morago ga gore mogwebi wa kwa Francistown a boela gae. “Go rua diboko go motlhofo ka gore dilo tse ke di dirisang ga di dingalo go bonala, diboko di ja matlhare, boloko, motshotelo, bojang, dikhadibokisi le tse dingwe”. O kopanya didirisiwa tse a bo a di nosetsa selekanyo sa beke tse pedi gore di bole le gore di tswe mogote, ka di tshaba mogote le lesedi. O hema mogote ka go di nosetsa gararo ka letsatsi le go di apesa dikobo tse di kolobeditsweng mo metsing. Ka seboko e le selo se se jetseng ruri, a re se, se thusa gore di dire menontshane e mentsi e e dirwang ka motshotelo wa tsone. Maikaelelo ke go kgobokanya motshetelo o, a bo a o tsenya mo dipaketeng a simolola go o rekisa. “Ke sale ke simolola go rua diboko ga ke ise ke rekise menontshane ya teng, ke rekisitse diboko fela ka e le nna fela yo ke neng ke na le tsone.” A re Rre Ramabu o ne a romela batho ba ba neng ba na le kgatlhego ya go rua diboko kwa go ene go tla go reka, gape a mo thusa ka go baya mogala wa gagwe kwa ditshupong mme batho ba kgona go bua le ene. Rre Kesebonye a re 1kg ya diboko o e rekisa P300. Keletso ya ga Rre Kesebonye ke go godisa kgwebo ya gagwe go e ntsha mo lwapeng mme o na le kgwetlho ka a ise a kgone go bona thuso ya ba lenaneo la Youth Development Fund. “Go nna kgakala le toropo go a ntomeletsa ka gore ga ke kgone go bona dithuso tse dingwe tse di tshwanang le tse di neng tsa bonwa ke barui ba diboko ba ba tsileng kwa morago ga me tse ba neng ba di bona jaaka go isiwa sekoleng, mme morago ba kgona go bona dithuso tsa madi.” Rre Kesebonye a re o eletsa gore batho kgotsa banana ka ene ba tle go bona gore o dira jang ba tsee malebela le bone ba kgone go itshetsa. “Ha ke bona diboko tse tsa me ke tlala ka boitumelo. Ke tshwana fela le morui wa dikgomo yo o kgonang go tsena mo lesakeng a lebeletse leruo la gagwe a tlale ka monyenyo wa boitumelo a di bona”. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Phokoje go tshela yo o dithetsenyana Mme Omphile Mathoba wa Phase 1 kwa Letlhakane ke mopaki wa gore se a re go tlogelwa tsatsing se ikise meriting. Mme yo, yo o ngwaga tse di masome mararo le bosupa, o itshetsa ka dithini tse di latlhilweng. O tlhalositse mo potsolotsong bosheng fa a tsoga phakela malatsi otlhe a ya kwa lefelong la matlakala la Letlhakane ka dinao sekgala sa dikhilomithara di ka nna lesome le botlhano mme a boele lwapeng maitseboa. Mme Mathoba, yo o dirang le bomme ba bararo le rre, a re ba na le tumalano le khamphani ya Can Collectors kwa Francistown. A re ba kgobokanya dithini tse di sa tshujwang ke molelo lebaka la dikgwedi tse tharo mme e re ya boraro e ya fifing Can Collectors e tle go di tsaya . O tlhalositse fa ba papiela dithini tse, ba dire ditena ka tsone e re ka nako ya fa di tsewa di kalwe mme ba bone dikatso go ya ka bokete jwa tsone. Mme Mathoba yo o tlhotsweng ke lekwalo la boraro, a re o apesiwa a bo a jesiwa ke madi a dithini. A re o eletsa go ipona a kgonne go ithekela motshine o o kalang ditsiri le o o di olelang mo koloing ya mogobagoba ka o ka dira madi a a botoka. Fa a tswa lefoko la kgothatso, Mme Mathoba a re banana ba tlogele mokgwa wa go bolawa ke tlala ba emetse atlhama-ke-go-jese go tswa kwa pusong. economy_business_and_finance 3 Kgosi o akgoa balemi barui Balemi barui ba masimo a Masokwe mo kgaolong potlana ya Moshupa, ba akgoletswe mowa wa boipelego o ba o supileng ka go aga ntlo ya mabeelo a dipeo ka boithaopo. Fa a bula ntlo eo semmuso, Kgosi Boitshwarelo Difemo wa Lotlhakane West o boletse gore go itumedisa bogosi le puso gore batho ba bo ba santse ba kgona go ithaopa go direla setshaba. Kgosi Difemo o tlhalositse fa ntlo eo, e tla a ba tswela mosola gonne ga ba na go e dirisetsa go baya peo fela mme maphata a mangwe e kare mo isagong ba tla go e dirisa go ba abela ditirelo tse di farologaneng. A re ntlo eo le kgotla ya yone, di tla a dira gore morafe wa Masokwe o nne le fa ba ka kopanela teng go itshekatsheka. O tsweletse a re maiteko a bone ke thuto mo setshabeng ka kakaretso ka jaana boithaopo, neelano le tshwaragano mo mafelong mangwe ga di sa tlhole di bonala. E rile a ntsha la gagwe, Rre Rasiti Senokwane a tlhalosa fa boithaopo mo kgaolong eo bo sa simologe mo nakong eno, ka ba sale ba simolotse pele ka ntlo ya mmu ka jaana gone gole kgakala mo go bone go tsaya dipeo kwa Ralekgetho. A re ba ne ba koleka P 350 lelwapa lengwe le lengwe go aga ntlo eo mme a lebogela gore balemi-barui ba kgaolo eo ba ne ba sa kgaramediwe. A re ba simolotse pele ba aga terata e e kgaoganyang masimo le mafudiso. O tsweletse a tlhalosa fa ba ne ba kgona go kgobokanya P 18000 mme ba kopa Ipelegeng go ba thusa go rulela le go penta ntlo eo. Mme Lekgoa a re fa ba ka tswelele ka mowa oo, ba tla a kgona tse dintsi. Kgosi Kgomotso Selotlego wa Ralekgetho le ene o akgoletse balemi-barui bao mowa go direla. A re o a kgothala le ene gore e kare mo isagong a kopa puso go ba tsisetsa ditlhabololo tse dingwe ele go ba rotloetsa. E re dikgang di eme jalo, mokhanselara wa Gasegogwane, Rre Fithi Keeletlile o gakolotse balemi-barui gore ba seka ba tswala ditsela tsa masimo fa ba dira ditlhabololo gonne go dira jalo go bakela khansele bothata ka nako ya go dirwa ditsela ka jaana bangwe ba felela ba tshwanelwa ke go phimolwa keledi mme go turela puso. Bokhutlo society 9 Morupisi o abela kereke Phuthego ya Spiritual Healing kwa Mookane e gwetlhilwe go disa le go sireletsa kereke kgatlhanong le masula a a ka e thubang a bo a dira gore go nne le tshenyo ya madi. Seo se builwe ke mokwaledi mogolo mo ofising ya ga Tautona le bodirela puso, Rre Carter Morupisi fa a ne a wetsa motsamao o o duelelwang wa dikhilomithara tse some ka Matlhatso. Rre Morupisi o boletse gore dilo tse di tshwanang le go lwela maemo ga baruti le go nwa bojalwa ke mangwe masula a kereke e tshwanetseng go leka bojotlhe go a nyeletsa. O gakolotse Bakeresete go leka bojotlhe jo ba ka bo kgonang go tshela matshelo a a boitshepo ka fa thatong ya Modimo. Rre Morupisi a re lefatshe leno le lebaganwe ke kgwetlho ya go oketsega ga borukutlhi ntateng ya go itontela bojalwa le ditagi tse gantsi di dirwang ke banana. A re moono wa motsamao oo, o ne wa akanngwa thata ka o ne o rotloetsa makgotla a tumelo go rotloetsa banana go emisa go nwa bojalwa le go dirisa ditagi ka go ba gogela kwa dikerekeng le mo ditirong tse di amanang le dikereke. Rre Morupisi a re puso e dira ka natla go thibela banana go inaakanya le dino le ditagi. A re motsamao o file kereke le setshaba sebaka sa go ema ka dinao ba tlhabantsha mekgwa e e maswe. O ba kopile gore ba dirisanye le puso go itepatepanya le koketsego ya botlhokatsebe mo bananeng ka go ba ruta lefoko la Modimo le botlhokwa jwa go ineela mo Modimong. A re motsamao oo o ne o itebagantse le go thusa kereke go kgobokanya madi go aga lekadiba le le kolobetsang le go baakanya dikago. O akgoletse kereke go rulaganya tiragalo eo ka e tlaa thusa kereke go gola ka go okela banana go nna bontlha bongwe jwa phuthego. Rre Morupisi o ne a abela kereke eo P10 000 go thusa mo ditirong tse kereke e di akantseng a bo a gakolola baphuthegi go tswelela ba leboga molemo o Modimo o o direlang lefatshe leno. Rre Morupisi o ne a gatelela mosola wa mmele o o itekanetseng a re malwetse a a sa tshelanweng mo gompienong ke one a gomagometsang botshelo jwa batho mme jaanong metsamao e e tshwanang le o ba neng ba o tsamaya ga e kake ya thusa kereke fela ka go kgobokanya madi mme gape e tlaa nna le seabe se sentle mo botsogong jwa bone. Bishop Bampoloki Rantsudu o ne a gakolola maloko a kereke go nna tlhaga mo itshidilong mmele. A re batho ba tshwanetse go tlogela go tsaya melemo fa ba utlwa botlhokonyana mo mmeleng, a tlatsa ka go re go itshidila mmele go fodisa makoa a mmele ka bontsi. O ne a ikuela mo kerekeng gore jaaka ba kopa dithuso mo go ba bangwe ka go dira metsamao e e duelelwang, ba tshwanetse ba di goga kwa pele ka go ntsha madi a magolwanyane ka gore balalediwa ba ka tlaleletsa fela mo go se ba se kgobokantseng. E re fa go santse go le jalo, Moruti Kabo Baitshenyetsi a re kereke e tshwenyegile ka masula a a lebaganeng setshaba, bogolo thata ka palo ya banana kwa dikerekeng e fokotsega. Moruti Baitshenyetsi a re Mopitlo ke kgwedi ya banana kgatlhanong le HIV\AIDS, ka jalo kereke e bone go tshwanela go rotloetsa banana go nna le seabe mo go tlhabantsheng bolwetse joo. O boletse gape gore phuthego e mo tirong ya ngwaga le ngwaga ya go kgobokanya madi go duelela ditiro tsa kereke.BOKHUTLO religion_and_belief 8 Komiti ya Sefoke e dira ka natla Komiti ya ditlhabololo tsa motse ya kgaolo ya Sefoke kwa Tlokweng e ntsha maduo a a bonalang go thusa le go rotloetsa morafe go itsosa go tsaya mananeo a puso e thusang Batswana ka one. Modulasetilo wa komiti eo, Mme Morwadi Podile o boletse mo potsolotsong gore ditiro di dintsi tse di dirwang ke komiti eo mo kgaolong go thusa morafe. Mme Podile a re komiti e setse e agile matlwana a boitiketso, ofisi, e rekile ditilo le go tsenya tse di beelang dibuka mo ofising eo. O tlhalositse fa ba le mo lenaneong la go aga leobo la Setswana le ntlwana ya boitiketso ya metsi kwa kgotleng ya Sefhoke, fa kwa Masetlheng ba ikaelela go aga ofisi e e dirisiwang ke kgosi mme ba santse ba emisitswe ke ba khansele ba ba sekasekang dikago le mafelo. Mme Podile o tlhalositse fa mokhanselara wa kgaolo eo a ba thusitse gore ba agele motlhoki ntlo mme dilwana tsotlhe tsa yone di rekiwa ke komiti eo. A re o itumedisiwa ke gore Kgosi Norman Matsetse wa Sefoke le Katlholo Modumedisi wa Masetlheng ba eme komiti eo nokeng nako tsotlhe. O tlhalositse fa komiti e na le matlo a le mane a e tsenyatsang madi e bile gape e na le ditilo tse di hirisiwang mo manyalong le mo diphitlhong le mediro ya morafe ka go farologana. O boletse gape gore ba eleditse go tsenya mogala mme ba eme ka go direlwa setlankana fela. Mme Podile a re komiti e kgona go fiwa dithuso ke bomme ba mokgatlho wa Basotho mme seo se thusa fela thata. O tlhalositse gore go gapa seetsele sa bophepa ga kgotla eo go ba thusitse fela thata ka gole gantsi komiti eo e bereka thata kwa medirong kwa kgotleng kgolo. O boletse fa bomme ba tsenya letsogo mo mananeong a puso e thusang Batswana ka one ka ba tsere lenaneo la go dira ditshingwana tsa merogo go rekisetsa batho mme a re banana ba ba neng ba tsere mananeo ba tlogetse ba ile go dira kwa lenaneong la Tirelo Sechaba. Mo dikgannyeng tse dingwe, Mme Podile o boletse fa borukutlhi bo tshwenya mo kgotleng ya Sefoke ka go nna batho ba ba farologaneng ba bangwe e le batswaka ba bereka kwa dipolaseng mme a re lenaneo la twantsho borukutlhi le a leka go bo lwantsha. O tlhalositse fa komiti e nna e etela kwa dikokelwaneng le dikole tse dipotlana mo motseng otlhe wa Tlokweng go phepafatsa go sa kgathelesege gore ga di mo kgaolong ya bone. Mme Podile o boletse fa maloko a komiti eo ba thusa go tlhokomela balwetsi bangwe ba bagodi, batlhoki le dikhutsana mo kgaolong go ba thusa gore ba nne le tsholofelo. O tlhalositse fa ba sena bothata jo bo kalo jwa madi ka komiti e nna e dira dithulaganyo go itirela madi e bile ba dirisa madi sentle ba bo ba nne le pego ya madi otlhe a a dirisitsweng le gore a diriseditswe eng. O boletse fa ba rotloetsa banana go tsaya mananeo mme banana ba sa tsenye letsogo ka ba le maoto a tshupa le ntswa thuto e goroga kwa go bone ka one. A re morafe o ile wa nna maoto a tshupa go tsaya lenaneo la SHAA go tlhabolola malwapa a bone mme seo se a tshwenya, a tlatsa ka gore bommaboipelego ba motse ga bana tirisanyo mmogo e e kalo le komiti eo le go thusa go rotloetsa mananeo mme seo le sone se tshwenya fela thata. BOKHUTLO politics 7 Lephata le rola ntlo Lephata la makgotla a Setswana kwa kgaolong-potlana ya Tutume le agetse bana ba lelwapa loora Phaladi ntlo ya dikamore tse tharo. E rile a rola ntlo eo semmuso kwa Gweta bosheng, molaodi wa kgaolo potlana ya Tutume, Rre Michael Chilimba a re ntlo eo ke ya bo 752 e e agilweng ka thulaganyo ya ga Tautona ya go agela batho ba ba tlhokileng lesego mo botshelong matlo. Rre Chilimba a re moono oo, o simolotswe ke Tautona Lt Gen.Dr Seretse Khama Ian Khama ka 2010 go agela batho ba ba senang matlo. O ne akgola badiri ba lephata leo la makgotla a Setswana go bo ba amogetse boikuelo jwa ga Tautona jwa gore ba dipitse bonang ba dinao ka go thologa bana boora Phaladi ba e leng masiela mokgosi. A re bonno ke selo se se botlhokwa mo botshelong jwa motho ka bo tsisa seriti mo mothong, bo fa tshireletso mo diemong tse di sa iketlang tsa loapi le tsone dira tota,a gatelela ka gore tiro e badire bao ba e dirileng e ntle thata ba lebanwe ke go akgolwa. O ne a tlhagisa ba masika a bana bao gore ba seka ba sala ba amoga bana bao boswa jwa bone mme ba ba thuse go tlhokomela ntlo eo gore ba kgone go godisetsa bana ba bone mo go yone. E ne ya re pele fa a amogela baeng, kgosi Keletlhobogi Baatholeng wa Gweta a re bogologolo go ne go sena motho yo o bolawang ke tlala ka ba ba neng ba na le leruo ba ne ba tshwaela ba bangwe dikgomo tsa mafisa ka seo ba itse go nwa mashi le go lema ba godise bana ba bone. Kgosi a re e rile go ntse go tsamaya mowa oo wa bopelotlhomogi wa simolola go nyelela, puso ya nna yone e rweleng mokgweleo wa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. O akgotshe Tautona go tsosolosa mowa oo wa bojammogo, o o setseng o aname le Batswana mo go solofetsang gore nako nngwe batho ba tlaa boela kwa segologolong ka maropeng go a boelwa, go sa boelweng ke maleng, ka bangwe ba itse go kgaogana se ba se tshotseng. Fa a amogela mpho eo mo boemong jwa bomonnawe, Mme Olorato Phaladi o ne a leboga ba komiti ya botsogo ya lephata leo la makgotla a Setswana tiro e ntle e ba e dirileng,a ba kopa go tswelela fela ka mowa o le mongwe go thusa ba ba tlhokileng lesego. Mme Phaladi o tlhalositse gore ka 2014 Phatwe e le masome mabedi le botlhano ba ne ba le mo khutsafalong ya loso lwa ga mmaagwe, mme gompieno ka lone letsatsi leo la Phatwe a le lesome le botlhano ba mo boitumelong jwa go fiwa bonno jwa sennela ruri. A re morago ga go latlhegelwa ke motsadi, o ne a sala ka boikarabelo jwa go etelela lelwapa a le dingwaga tse di lesome le bone, a godisa bomonnawe ba bararo mme seo se ne sa mo ruta sengwe mo botshelong ka le fa a senang o kgona go kgaogana le mongwe bonnye jo a na najo. Mokwaledi kwa lephateng la makgotla a Setswana kwa kgaolong ya legare, Rre Modise Senyarelo a re ka komiti ya bone ya botsogo ba ne ba kokoanya madi mme tiro ya kago e ne e dirwa ke babereki ka bobone. O lebogetse kemo nokeng ya botlhe ba ba thusitseng gore tiro e atlege. BOKHUTLO society 9 Thuto motswedi wa katlego mo kgwebong Modulasetilo wa khansele potlana ya Boteti a re thuto e botlhokwa mo tsamaisong ya kgwebo. Fa a bua kwa bokhutlong jwa thuto-puisano e e neng e tshwaretswe kwa Mopipi bosheng, Rre Ketshwereng Galeragwe o ne a rotloetsa botlhe ba ba neng ba tsene dithuto tsa nyeletso lehuma go dirisa se ba se ithutileng go godisa dikgwebo tsa bone. O tlhalositse fa go thusitswe batho ba le makgolo a mabedi le masome a matlhano kwa Mopipi, Mokobaxane, Kedia, Toromoja, Mmadikola le Xhumo ka lenaneo la dipodi, selo se a supileng e le ditso go thusa palo e ntsi ka nako e le nngwe. Rre Galeragwe a re go dirisa se ba se ithutileng go tlaa ba thusa gore dikgwebo tsa bone di atlege di bo di nne le maduo. A re le ntswa dithuto di sa akaretsa dilo tsotlhe tsa kgwebo le dikgwetlho tse ba yang go kopana le tsone, o dumela gore di tlaa ba kgontsha go tsamaisa dikgwebo tsa bone. Maikaelelo a dithuto e ne e le go ba fa lesedi ka tsa kgwebo le go dira ka diatla gore batho ba kgone go tsamaisa di kgwebo tsa bone. O ne a tlhalosa fa se gape e le tshimologo ya botshelo jo bo lolameng, a tlhalosa fa go bonala fa lenaneo la nyeletso lehuma le na le maduo fa motho a le tsere ka tlhwaafalo. “Mo bosheng mo go yone kgaolo e, go nnile le mongwe wa ba ba thusitsweng ka lenaneo mme a kgona go rekisetsa puso dipudi di le 76 tse di yang go abelwa ba bangwe,” a tlhalosa. A re kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho, ka jalo o ne a ba kgothatsa gore di se ka tsa ba kgoba marapo mme ba tswelele ba itse fa ba tlaa atlega. Mogokaganyi wa lenaneo la nyeletso lehuma, Rre Montshiwa Montshiwa a re ba tshwaraganetse lenaneo le le maphata a mangwe a puso. Rre Montshiwa a re pele ga motho a ka fiwa lenaneo o rutuntshiwa pele. O ne a tlhalosa fa ba weditse mola wa baikopedi kwa Boteti Bophirima, ka jalo a rotloetsa ba ba thusitsweng go tlhokomela dikgwebo gore maduo a tsone a bonale. education 4 Kebailele o rotloetsa boipelego Kgosi Polokokgolo Kebailele wa Serowe o rotloeditse morafe wa Thabala mo kgaolong ya Legare go dirisa mohama wa temo-thuo e le nngwe tsela ya botshelo e ba ka ikaegang ka yone go inamola mo lehumeng la nta ya tlhogo. Kgosi o buile jalo ka Matlhatso mo boemong jwa bogosi jwa ga Mmangwato kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la ngwao le thobo ya monongwaga kwa motseng oo. A re fa Batswana ba ka tlhoafalela temo-thuo ga go ope Motswana yo o ka welang mo isong fa e se yo o setshwakga fela, a tlatsa jalo ka go tlhalosa fa motho a tshwanetse go itshetsa ka mofufutso wa phatla ya gagwe. Kgosi Kebailele a re temo-thuo e mosola fela thata mo malatsing a segompieno ka jaana motho o ka e dira e le kgwebo mme a tsweledise tsa matshelo a gagwe. O tlhalositse fa puso ya lefatshe leno e eme balemi nokeng ka jaana e tlhapolotse letsogo go tokafatsa temo-thuo. A re balemi ba fiwa dipeo, dichefi, menontshane le madi a diterekere ntleng le dituelo dipe, a tlhalosa fa se, se supa fa puso e kgathala ka matshelo a Batswana. Kgosi o ne a kgothatsa banni bao go ema ka dinao, go tlhagafalela temo. O ne a bua jalo a ba kopa go simolola go baakanyetsa temo e e tlang nako e sa le teng, ka a re temo e e baakanyeditsweng go sa le gale e ntsha maduo a a bonalang. E ne ya re a amogela baeng, kgosi ya motse oo, Rre Abel Kgaboyarona, a tlhalosa fa mo bogompienong ngwao e itlhokomolositswe, selo se a kaileng se ka baya bangwe ka fa mosing go itse ka tsa ngwao, bogolo jang bana ba ba sa ntseng ba gola. A re ke ka moo morafe wa gagwe o boneng go le matshwanedi go ikgata motlhala go tsosolosa ngwao ka go tshwara mokete o tshwana le o. O tlhalositse fa pele, go ne go na le meila ya Setswana e bile e salwa morago mme mo nakong eno go sa tlhole go dirwa jalo. Kgosi Kgaboyarona o ne a tswelela ka go supa fa bogologolo ba ne ba ja dijo tsa setso di tshwana le motsantsa, mahubana le tse dingwe, botsogo e le jo bo itekanetseng ka dinako tsotlhe, e seng mo malatsing a segompieno mo batho ba tlhorontshiwang ke makoa. O ne a kopa Batswana ka kakaretso go somarela ngwao, a tlhalosa fa tautona wa pele a boletse fa tshaba e senang ngwao e le moka e latlhegileng. O ne a tlatsa gape ka go tlhalosa fa ngwao e le seriti sa Motswana mongwe le mongwe. Le fa go ntse jalo, Kgosi Kgaboyarona o ne a iteela banana ba motse oo legofi go bo ba ne ba tshologetse ka makatlanamane kwa kgotleng go ya go itseela ka tsebe. Mo letlhakoreng le lengwe Mme Gakenalepe Lerumo o ne a tlhalosa fa maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go tsosolosa ngwao le gone go isa malebo kwa go Tautona, yo e rileng a bona seemo sa pula ngogola se le kwa tlase a kopa gore go rapelelwe pula. BOKHUTLO society 9 Louw o bone botshelo mo tlhaping Monana mongwe mo toropong ya Francistown, Mme Patience Louw ga a ipone tsapa go tsoga moso le moso a apaya ditlhapi go di rekisa, e le tsela nngwe e ka yone a itlhophetseng go iphataphatele mo botshelong. Mme Louw yo o dingwaga tse di lesome le borobabongwe, mme a tlholega kwa Tutume, o boleletse BOPA mo potsolotsong gore e sale a wetsa dithuto tsa gagwe tsa lokwalo lwa botlhano wa 2016, mme ka go tlhoka lesego a seka a dira sentle mo ditlhatlhobong. Go tlhoka go dira sentle mo, ga raya gore o retelelwa ke go tswelela le dithuto, mme a nna fela mo lwapeng a sa dire sepe sa botshelo. “Go nna fela mo lwapeng ke sa dire sepe go ne ga mpuisa ka pelo, gape go ketefalela le ene mme yo ke neng ke ikaegile ka ene go ntlamela le nnake ka tse re di tlhokang mo lwapeng,” a bua jalo. Morago ga kutlobotlhoko e e kalo, o ne a gwetlhega gore a itshimololele kgwebo e ka yone a ka kgonang go dira letseno go inonotsha mo itsholelong. Mme Louw o tlhalosa gore e re le ntswa dikakanyo tsa gagwe tsa kgwebo di ne tsa nna mafaratlhatlha, o feletse a tsaya tshwetso gore a itshimololele kgwebo ya go apaya tlhapi, a bo a e rekisa kwa marekisetsong le mapalamelo a dipalamo tsa setshaba. “Gore ke felele ke ikanya go gweba ka tlhapi ke ne ke lemogile gore batho ka bontsi ba rata tlhapi, sebe sa phiri ke gore ga ba itse ka fa e apewang ka teng.” O ne a supa fa ene a ne a na le bokgeleke jwa go e apaya ka botswapelo, ka jaana a bo kwatabolotse mo go mme mmaagwe fa a ne a apaya mo lwapeng. Mme Louw a re o reka tlhapi kwa batshwaring ba ditlhapi kwa tamong ya Letsibogo kwa Mmadinare, mme fa a sa le a tsena mo kgwebong e ngogola ka Tlhakole, e tsweletse ka go mo fa dipoelo. A re o kgona go itlamela ka tse a di tlhokang ga mmogo le ba lelwapa la gagwe, mme o boletse gape fa a simolotse go ikokotleletsa dipoelo tse a di boneng, go tla go di dirisa go ithusa go ka tsweledisa dithuto tsa gagwe. E rile fa a itebaganya le banana ka ene, Mme Louw a ba kgothatsa go kgaphela kwa thoko mowa wa boitseme ga mmogo le wa go ikaega ka batho ba bangwe go ba direla bokamoso. Mme Louw o gakolotse banana gape gore ba seka ba adima tshwene marapo ba dira letlhoko la ditiro e le seipato go ka tswelela mo botshelong. A re o na le tumelo ee tletseng gore methale ya itshetso e mentsi e tlhoka ditlhaloganyo tsa bone banana go ka e etela, mme o gateletse fa mphampha e lapisa motho a kgonwa ke sesagagwe. O bile a lemotsha banana ka ene gore selo sa botlhokwa mo mererong ya tsa kgwebo ke go nna le lenyora la go tswelela, go nna pelotelele, boineelo ga mmogo le go dira ka botswapelo. A re tse tsotlhe di ka thusa gore kgwebo e itshetlele go sa kgathalesege gore dikgwetlho tse di ka tlhagogang mo tsamaong ya nako ke dife. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Stepping Stones e ruta bana Lekgotla le le ikemetseng ka nosi la Stepping Stones mo Mochudi le ikopantse le lephata la thuto go thusa bana ba New Xade ko kgaolong ya Ghanzi go ba ruta maele a botshelo. Fa a bua mo potsolosong le BOPA ka Labobedi mongwe wa bagolwane ko Stepping Stones Mme Tinny Seitei o boletse fa bana ba le masome a mararo le boraro ba ba dingwaga tse di lesome le bobedi go ya ko go tse di lesome le borobabobedi ba tsile ithutuntshong mo Mochudi. Mme Seitei o boletse fa maikaelelo a ithutuntsho eo e le go ruta bana bao go kwala le go bala a tlhalosa fa bontsi jwa bone ba sa tsene sekole a tlatsa ka gore ba tlaa bo ba rutiwa le go dira ka diatla gore ba kgone go itshetsa. A re ba dira seo morago ga gore ba lephata la thuto ba ofisi ya Gaborone ba kope thuso ya bone ya go ruta le go tsibosa bana bao ka botlhokwa jwa sekole. O tlhalositse fa ba ya go tsaya malatsi a le matlhano ba le mo Mochudi mme ba rutuntshiwa ba na le bana ba Stepping Stones ba ba mo Mochudi a tlatsa ka gore ba tlaa bo ba rutana dingwao tsa merafe ya bone. Fa a bua ka kgolagano ya bone le ba lephata la thuto, Mme Seitei o tlhalositse fa ba lephata leo ba ne ba tla ko go bone morago ga go lemoga gore Stepping Stones e tsamaisa sentle lekgotla la bone segolo thata mo go ageng banana. A re lephata la thuto le ne la ba kopa gore ba dirise diofisi tsa bone tse di ko motseng wa New Xade go le fetola le bana ba ba tlhokomelelwang mo go lone le go ba ruta maele a botshelo. Seitei o ne a tshwaela a re go ne go se motlhofo fa ba simolola, a kaya fa bontsi jwa bana bao ba ne ba sa tsene dikole ebile ba sena kgatlhego epe a tlatsa ka gore mme ka kemonokeng ya bogogi jwa motse oo ba ne ba kgona go tsaya bana bao. A re ba ne ba ikopanya le batsadi pele go bua le bone a supa gore le bone ba ne ba le bete semolangwana mme ba ne ba felela ba dumetse gore bana ba thusiwe. O tsweletse a re ba ile ba lemoga gape gore bontsi jwa bana ba ne ba sena ditlankana tsa matsalo le batsadi ba sena dikarata tsa Omang mme ka thuso ya ofisi ya boipelego ko motseng oo ba ne ba kgona go ba direla. Fa a tswa la gagwe mongwe wa badiri ba Stepping Stones kwa New Xade Mme Olebogeng Xukuri o ne a supa fa lekalana leo le thusitse bana thata a tlatsa ka gore le boitshwaro jwa bone bo setse bo fetogile. A re bontsi jwa bana ba setse ba kgatlhegela thuto mme bangwe ba setse ba kopetswe diphatlha mo dikoleng ka go farologana go ya go tsweledisa dithuto tsa bone. A re le bone kwa kgaolong ya bone ba bone ditiro gone ko Stepping Stones a tlatsa ka gore babereki botlhe ke ba motse wa New Xade a supa fa ba leboga lekalana leo thata. Le fa go ntse jalo Mme Xukuri o ne a tlhalosa fa ba na le kgwetlho ya sepagamo fa ba batla go ya Ghanzi,a bolela fa ba sena koloi mme o ne a kopa makalana a mangwe go ba thusa. BOKHUTLO education 4 Seso se monate se ingwaelwa Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso o kopile banni ba Qabo le Kuke go itepatepanya le botshelo jwa segompieno go na le jwa bogologolo. Mothusa tona o buile mafoko ao fa a ne a tshwere diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo bosheng. O boleletse banni gore puso e ntshitse mananeo go ba thusa gore matshelo a bone a tlhabologe. A re go le gantsi batho ba ba nnang kwa metseng e e kgakala le ditlamelo, ga ba emele matshelo a bone ka dinao. A re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go nna mo bonnong jo bo siameng. O tsweletse a re le fa go na le lenaneo la ga Tautona la go agela batlhoki matlo, le bone ba tshwanetse go leka bojotlhe go nna le bonno jo bo siameng. Mme Tshireletso o boleletse banni gore ba le aramela le santse le ba tlhabetse ka go inaakanya le mananeo a puso gore ba kgone go itshetsa le go aga bonno jwa sennela ruri. Mothusa tona o kopile batsadi go rotloetsa bana go tsena sekole ka gore thuto ke yone tsela le boammaaruri mo botshelong. A re o lebogela gore dipalo tsa bana ba ba yang kwa mmadikole tse di tswang mo metseng e e kgakala le ditlamelo mo lefatsheng leno e ntse e a gola, ka jalo go supagala go ntse go tswa tema. Mothusa tona o kopile mothusa mokwaledi wa khansele gore batho fa ba tsaya mananeo a puso ba seka ba bewa ka ditlhopha ka gore fa batho ba le mo ditlhopheng kgwebo ya bone ga e tsamaye sentle. A re go bereka ka ditlhopha ga go na go solegela batho bao molemo le gone ba tsile go palelwa ke go itshetsa ka mananeo ao ka e bile ba lela ka theko ya dilwana gore e kwa tlase. A re bodiredi jwa khansele ya Ghanzi ga bo dire dilo sentle, a re o ipotsa gore mathata a ka tswa a le fa kae. O kopile bodiredi joo go tshwara diphuthego mo metseng gore ba kgone go thusa batho ka bonako. O tsweletse a re dingongorego tsotlhe tse di ntshitsweng ke batho ba metse eo ga se tse di tshwanetseng go mo emela, a tlatsa ka go re fa e le gore ba etela batho mo metseng go ka bo go se na mathata ka gore a tshwanetse go rarabololwa ke khansele. Fa ba akgela, banni ba re ba lebogela mananeo a puso ka gore mo malatsing ano ba tshela botoka le fa go se na theko e ntle. Banni ba Kuke ba re bana ba sekole sa Kuke ba ba nnang mo dihoseteleng ba na le kgwedi ba feletswe ke dijo. Ba kopile gore bana bao ba thusiwe ka bofefo jo bo kgonagalang. Ba tsweletse ba re kwa sekoleng seo matlo a boitiketso ga a mo tirisong, se se raya gore bana ba ya kwa sekgweng mme ga go a siama ka gore ba ka nna ba longwa ke dinoga. E rile a araba dilelo tsa bone, Mme Tshireletso a kopa mothusa mokwaledi wa khansele go tsaya kgato go bona gore bana ba thusiwa ka dijo ka bonako. BOKHUTLO politics 7 Badiri ba akgolelwa go dira ka natla Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba Mme Botlogile Tshireletso, o akgoletse badirelapuso ba kgaolo potlana ya Mahalapye go bereka ka mashetla le botswapelo mo go rotloetseng Batswana go dirisa mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone. Mme Tshireletso o rile lefa gona le Batswana bangwe ba ba gogang dinao go dirisa mananeo a diretsweng go tokafatsa matshelo a Batswana, o itumedisiwa ke gore mo kgaolong ya gagwe batho ka bontsi ba kgonne go rekelwa dihutshane,ditante tsa manyalo le dikoko tse go bolelwang bontsi jwa tsone di laitswe ke bolwetse jwa leroborobo. O boleletse badirelapuso bao mo bokhutlong jwa loeto la gagwe le mo go lone a neng a tlhalosetsa batlhophi ba kgaolo ya Mahalapye Botlhaba ka megopolo e buisantsweng mo palamenteng e fetileng gammogo le go ba lekodisa ka kgaoganyo madi a setshaba gore ele baeteledipele ba setshaba ba tshwanetswe ke go phophotlha badirelapuso magetla fa ba direla setshaba ka botswerere. Mme Tshireletso yo e bileng ele mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae o boletse fa ele boikarabelo jwa badirelapuso go tlhalosetsa setshaba ka mananeo a puso, go tshwara batho sentle mo madirelong a ba direlang mo go one le go ikgapha mo ditirong tsa tshenyetso setshaba ka go dira jalo go k aba diga setiri le go latlhegelwa ke tiro. A re ele badirelapuso ba tshwanetse go tsena diphuthego tsa matona a puso, mapalamente le tsa makhanselara go thusa mo go arabeng dipotso tse di amang maphata a bone le go tlhalosetsa setshaba ka melawana le mananeo a puso,mme a bolela fa ba sa tshwanela go itshunya nko mo dipolotiking. Mme Tshireletso o rile lefa a itumelela kafa badirelapuso ba dirang sentle ka teng mo ditirong tsa bone o tshwenngwa ke dikgang tsa go tlhoka go tshwara balwetse sentle kwa kokelwaneng ya Palla-road, go rontsha mogodi mongwe kwa motsing wa Shakwe tshwanelo ya go amogela madi a bogodi ga badiri ba poso ya Mahalapye le kgang ya go busetswa kwa magaeng kgwedi le kgwedi ga baithuti ba sekole se se golwane sa Dikgatlho Community Junior Secondary. E rile Mogolwane wa Poso ya Mahalapye Mme Chandapiwa Olefile a botsolotswa ke ba lekalana la dikgang la mabapi le go tlhoka go duelwa ga mogodi mongwe kwa motseng wa Shakwe, a bolela fa ele boammaruri bana le kgwedi tse tharo ba sa duele Mme yoo ntateng ya gore one a ise a nne le karata e dirisiwang gompieno go amogela gompieno, mme a solofetsa fa ba tla baakanya phoso eo mo nakong e khutshwane. Mogokgo wa sekole sa Dikgatlho Community Junior Secondary Mme Judith Bartlett o tlhalositse kgang e buiwang ke batsadi ba Makwate, Shakwe le Taupye ya go busetswa ga bana kwa magaeng kgwedi le kgwedi ele kgang e kopakopanyeng le sepolotiki mo e bileng a setse a ikuetse kwa ofising yaga molaodi. society 9 Puso e tsaya dikereke tsia Tona wa tsa Papadi le Madirelo, Mme Dorcas Makgato-Malesu, a re puso e tsaya dikereke tsia ka di na le seabe mo ditlhabololong tsa lefatshe leno. Fa a bua bosheng kwa moletlong wa go kokoanya madi kwa kerekeng ya Faith Gospel After Christ (FGAC) kwa Sefhare, mo kgaolong ya Legare, Mme Makgato-Malesu o boletse fa dikereke di na le seabe mo go feng banana tsela e e siameng le go ba faposa mo dilong tse di bosula. A re tshwaragano ya dikereke le puso e botlhokwa mo metlheng ya gompieno ka e ka thusa mo dikgwetlhong tse di lebaneng setshaba di tshwana le borukutlhi jo bo ileng magoletsa, go iphitisa dino le dipolaano tsa baratani. O boletse fa mathata a a lebaneng setshaba a ngomola pelo mme gore a fenngwe go tlhoka tshwaragano ya puso le mekgatlho e tshwana le ya dikereke. A re puso ya lefatshe leno e fa mongwe le mongwe tshwanelo ya go obama kana go rapela kwa kerekeng e a e ikgethetseng le go sala tumelo ya gagwe morago. Mme Makgato-Malesu o ne a galaletsa kereke ya FGAC go nna pelotelele ka tiro ya bone ya go kokoanya madi, ka go nnile le dikgwetlho pele tiro eo e tshwarwa. A re madi a a kokoantsweng ao a tla a thusa mo go baakanyeng dikago tsa kereke eo le go aga ofisi. O boletse fa a itumelela moono wa go aga ofisi ya kereke eo, ka e tlaabo e dirisetswa dilo di le dintsi jaaka go sidila batho maikutlo. Tona o rotloeditse maloko a kereke eo go nna le tshepo mo Modimong le go nna le tumelo ya gore se ba se rapelelang ba tla a se bona; ka dikwalo tse di boitshepo di bolela fa se motho a se rapelelang e bile a na le tumelo, a tla a se bona. Mme Makgato-Malesu o kopile kereke ya FGAC go nna ba supa dipoelo tsa bone ngwaga le ngwaga kwa go ba ikwadiso ya mekgatlho. A re mekgatlho ka go farologana e tshwanelwa ke go supa dipoelo tsa yone. O ne a tswelela a re kwa ntleng ga go kokoanya madi ka meletlo, kereke eo e tshwanelwa ke go batla maano a mangwe a go dira madi ka go itsalanya le bo radikgwebo, maikaelelo e le gore ba ba thuse fa ba palelwang teng. Tona o boile gape a kopa maloko a kereke ya FGAC go ikamanya le mananeo a puso gore a ba thuse mo matshelong a bone ka a diretswe Motswana mongwe le mongwe. Mme Makgato- Malesu o ne abela kereke eo terata ya go agelela dikago tsa kereke, dimente di le lesome, ditilo di le masome a mabedi le go rekela balalediwa ba tlotla botlhe dijo tse di neng di rekisiwa kwa moletlong oo. Mongwe wa maloko a komiti ya kereke ya FGAC yo o neng a bua mo boemong jwa modulasetilo wa kereke eo, Rre Hitler Gabanthate, o boletse fa kereke ya FGAC e sale e simolotse ka ngwaga wa 1939 kwa Aferika Borwa. A re kereke eo e eme puso nokeng ka go inaakanya le mananeo a a farologaneng jaaka go ntsha madi ngwaga le ngwaga a isiwa kwa letloleng la masiela, go agela batlhoki le go abela batlhoki diaparo, dijo le tse dingwe. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Sorinyana o kopa go tlhophiwa Batlhophi ba kgaolo ya Ramotswa ba kopilwe go tlhopha, Rre Tshekiso Sorinyana, yo o ikemetseng ka nosi mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba. Fa a rolela batlhophi ba kgaolo ntlhopheng yoo bosheng, ntlhopheng yo o ikemetseng ka nosi wa kgaolo ya Lentsweletau/Mmopane, Maj. Gen. Moeng Pheto o ba kopile gore ba seka ba tsiediwa ke mafoko a gore Rre Sorinyana o bidiwa mokoko mme ba lemoge fa a ka kgona go ba buelela kwa palamenteng a sa mpampetsa gonne bonatla jwa gagwe bo itshupile mo khanseleng. O kopile batlhophi go diragatsa tshwanelo ya bone ya go tlhopha yo ba mo ratang, a bo a tlhalosa fa go tlhopha Rre Sorinyana go tla a nonotsha puso ya batho ka batho mo lefatsheng leno. A re Rre Sorinyana o tla a buelela babereki le gone go ntsha lentswe la gore ba reediwa. O tlhalositse gape fa a tla a sala lenaneo la ditlhabololo morago go na le jaaka go diragala mo pusong ya nako eno. E rile a amogela thomo, Rre Tshekiso Sorinyana a kopa batlhophi go mo tlhopha ka dipalo tse dintsi tse di tla a mo kgontshang go ya palamenteng ka motlhala wa gagwe o bonala ka ditiro tse a di ba diretseng a le kwa khanseleng. A re banni ba kgaolo ya Ramotswa North Central ba simolotse go akola ditirelo tsa khansele a sena go nna mokhanselara wa kgaolo eo. A re bokgoni jwa gagwe bo dirile gore a tshepiwe ke badiri ka ene jaaka ba ne ba mo tlhopha go nna modulasetilo wa khansele ya Borwa Botlhaba le gone go kopiwa thuso ke banni ba kgaolo ya ga Malete ka kakaretso. Rre Sorinyana o supile fa a na le megopolo e e nonofileng ka kgaolo ya ga Malete jaaka go aga mmolo le gone go isa ditlhabololo tsa metsi le motlakase kwa kgotleng ya Disana. O boletse fa a kgatlhegela go tlhabolola tsela ya Boatle/Ramotswa gore e seka ya fekeediwa ke dikoloi fa go sena go agiwa borogo jwa molelwane wa Ramotswa le Aferika Borwa. Le fa go ntse jalo, o boletse fa a ka kgona tse tsotlhe fa a ka tlhophiwa le makhanselara a gagwe. Rre Sorinyana o supile fa kgaolo ya Borwa Botlhaba e tswa kgakala e tlhoka boeteledipele, a re ke sone se e senang ditlhabololo, jalo a supa fa a tla a tsibogela ditlhabololo le gone go dirisana le bogogi jwa motse. Bokhutlo politics 7 Motlhagodi o kopa baruti go rapelela Selebi Phikwe Moeteledipele wa makgotla a dikereke tsa semoya (OAIC) Mookami Tebogo Motlhagodi o kgothaditse baruti go go rapelela Selebi Phikwe ka seo se ka thusa go phunya metswedi e e ka tsosolosang itsholelo ya toropo eo. O buile se fa a ne a etetse baruti ba dikereke tsa semoya kwa Selebi Phikwe bosheng. Mookami Motlhagodi o ne a supa fa selelo sa go tswalwa ga moepo wa BCL se ne sa ama batho ba le bantsi le dikereke mo baruti bangwe ba neng ba lebala thomo ya bone ya go itse fa thapelo e le seikokotlelo. O ne a kgothatsa baruti go tsepama mo tumelong ka setshaba se lebile bone go ba golola mo malwetseng le dipogiso tsa lefatshe, a re ga ba a tshwanela go baya fela mo mapolotiking go dira ditlhabololo mme le bone seabe sa bone se tshwanetse go bonala. Mookami Motlhagodi a re, e le baeteledipele ba lemoga seabe sa dikerere ka dingwe di tsweletse ka go dira tiro e ntle ya go thusa setshaba. Mo go tse dingwe, Rre Motlhagodi o ne a supa fa ofisi ya gagwe e tshwentswe ke dintwa magareng ga boeteledipele le dikomiti tsa dikereke mo dingwe tsa dikgang di setseng di le kwa makgotla tshekelo. O ne a kopa baruti go sala molao motheo morago ka e le one o ka ba kaelang se se tshwanetseng go dirwa, a re ba tshwanetse go tla ka mananeo a a ka agang setshaba go na le go se kgaoganya. Kgosi wa kgaolwana ya Botshabelo, Kgosi John Seabe, o ne a supa fa leeto la ga Mookami Motlhagodi le tsile ka nako e e maleba morago ga go welwa ke seru sa go tswalwa ga moepo. Kgosi Seabe o ne a tlhalosa fa se, se ne sa ama matshelo a batho ba le bantsi mo bangwe ba ileng ba ikgapela matshelo, a supa fa dikereke di na le seabe se sentsi mo go fetoleng matshelo a batho ka fa semoweng le botshelo ka kakaretso. Kgosi Seabe o ne a supa fa seabe sa dikgosi se tshwana fela le sa dikereke go bona gore setshaba se tshela ka kagiso go sena makgwere. Kgosi o ne a gwetlha baruti ba dikereke ba ba neng ba tsene bokopano go rapelela leuba, dikotsi tsa dikoloi le malwetse a apereng setshaba ka tumelo e le gore Modimo ke ene a ka emisang tse tsotlhe. Le fa go ntse jalo modulasetilo wa Sub Chapter kwa Selebi Phikwe Rev Gagobotswe Marumo o ne a re ntswa dikereke di le masome a marataro le botlhano, ke di le masome a mararo le bongwe fela tse di ikwadisitseng mo lekgotleng la OAIC. Rev Marumo o ne a gwetlha dikereke tse di saletseng kwa morago go ikwadisa kwa lekgotleng gore lentswe la bone le kgone go utwala ba le mmogo jaaka ba lebanwe ke letlhoko la ditsha. religion_and_belief 8 Mokgatlho o ikaelela go tsosolosa tshomarelo tikologo Lekalana la Association of Environmental Clubs of Botswana le maikaelelo a lone e leng go rotloetsa tshomarelo ya matlotlo a tikologo go tswa kwa moding la re le ikaelela go tsosolosa mowa wa go somarela tikologo mo kgaolong ya Bokone Bophirima. Se se builwe ke moeteledipele wa mokgatlho, Rre Sente Mosweu fa a buisa baeteledipele ba mokgatlho o mosha wa tshomarelo tikologo bosheng kwa Maun wa leina la Maun Wildlife and Environmental Conservation Society. Rre Mosweu o supile fa kgaolo ya Bokone Bophirima e le nngwe ya tse di rweleng matlotlo a tikologo, ka jalo go le botlhokwa go nna le mokgatlho wa go nna jalo. O supile fa banana e le bone ba ka lwantshang kgang ya phetogo ya loapi le tsotlhe tse di amang tikologo ka ba santse ba na le thata ya go fetola dilo. O kopile banana go ikgolaganya le ba lephata la diphologolo kwa Maun go bona thuso e e botoka. O tlhalositse fa go na le lekalana le le berekang le morafe mo lephateng le, le ka lone ba ka bonang thuso e e botoka go kgona maikaelelo a bone. O supile fa ba lephata la diphologolo ba tlhoka baithaopi ba banana go ka kgona go ruta bana ba dikole le morafe ka kakaretso ka tshomarelo tikologo. Are mokgatlho o na le banana ba dithutego tse di farologanyeng, ka jalo o tshepha fa ba tlaa bereka mmogo le go thulanya maboko go tsholetsa serodumo sa tshomarelo tikologo mo Botswana ka kakaretso. O supa fa Association of Environmental Clubs of Botswana e tlaa ema banana nokeng ka ba e direla tiro ya go anamisa thuto ya tshomarelo tikologo mo dikgaolong tse ba sa kgoneng go fitlha kwa go tsone kgapetsakgapetsa. A re ka go dira jalo ba tlaa nna ba ikgolaganya le bone go bona tswelelopelo ya bone le go thusa fa go tlhokegang teng ka tsotlhe tse ba ka di bonang. BOKHUTLO environment 5 Sekole sa Mogale se di goga kwa mogatleng Sekole se segolwane sa Mogale kwa Maokane mo kgaolong ya Ngwaketse Bophirima se nna fela se di goga kwa mogatleng mo maduong a ditlhatlhobo tsa mophato wa boraro. Se se boletswe ke Kgosi Isaac Banyaditse mo potsolotsong le A re se se dirwa ke batsadi ba ba sa tseeng thuto ya bana ka tlhoafalo e bile ba sa tsene diphuthego. Kgosi Banyaditse a re le fa ngwana a tswa mo tseleng, batsadi ga ba ke ba tsaya kgato ka jaana ba seke ba leka le fa e le go ikuela kwa baeteleding pele ba motse. A re bana ba sekole se ba diiwa ke go nna mo dibareng ka mafelo a beke, mme le fa batsadi ba ba bona ga ba ke ba kgalemela. A re batsadi ba bana ba bone ba tsenang kwa Mogale le fa ba bilediwa ngwana a sa tsoga ga ba ke ba tsiboga, mo go felelang e nna morwalo wa barutabana. O bile a re se sengwe se se amang maduo ke go tlhoka boroko ga barutabana, a supa fa ba nna mo matlong a a sa siamelang botsogo, ebile a tlhaela. Kgosi Banyaditse a re barutabana ba tlhaelelwa ke boroko mo bangwe ba bone ba tsogang kwa Jwaneng, mme go le kgakala e bile tsela e sa siama. A re barutabana gape ba ikuela gore bana ba sukagane mo ba felelang ba rutela bangwe ka fa tlase ga ditlhare. A re sekole se fa se simologa, se ne se tshwanetse go tsaya bana ba le makgolo a marataro, mme se tsaya makgolo a a robang bongwe le masome a mabedi le bobedi. Kgosi Banyaditse a re ntlwana nngwe le nngwe ya borutelo kwa sekoleng seo e tsaya bana ba le masome a matlhano le ntswa e tshwanetse go tsaya masome a mararo le botlhano fa go padile. O boletse fa go kile ga lekwa ka dikharabene go fokotsa tlhaelo ya matlwana a borutelo, jaanong le tsone di setse di onetse. Kgosi gape a re setofo se sale se rekilwe palo ya bana e ise e oketsege. A re mo nakong ya gompieno se fekeediwa ke palo ya bana. A re palo eo e pateletsa baapei ba le bone ba leng palo potlana go apaya ga ntsi. Kgosi Banyaditse a re mathata a mangwe ke letlhoko la metsi kwa motseng oo. A re seemo seo se tle se gomagometse gore bana ba ba filweng boroko mo sekoleng ba bulelwe. Sekole seo se amogela bana ba mophato wa ntlha go tswa kwa mafelong a a kgakala le ditlamelo a tshwana le Ralekgetho, Pitseng, Seherelela le Lefoko ka jaana go sena sekole sa magare gaufi. education 4 Senyawe o itumelela ditlhabololo Komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Senyawe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ya re e itumelela madi a a abelwang dikgaolwana ka a ba thusitse go tlhabolola motse wa bone. Mo potsolotsong le O buile fa ba ne ba thuba leobo le legologolo la disenke mme ba aga la ditebego tse di tlhabolotsweng le le ruletsweng ka morulelo wa sesha. A re Senyawe ke mongwe wa metse e le mmalwa mo kgaolong ya Bokone Botlhaba e e tsereng moalo o mosha wa maobo a kgotla a lebotana la ditena tse dinnye. Mme Dinizulu a re kago ya leobo le e simolotswe 2018 a tsamaela go fela mme e bile e tloga e fela. O tlhalositse fa rakonteraka yo o abetsweng kago e e le ngwana wa Senyawe, ka jalo a thapile banana ba le lesome le botlhano mo gae. Le fa go ntse jalo o supile fa ba nnile le kgwetlho e tona ya tlhaelo ya metsi mo ba feletseng ba aga metsi kwa nokeng ka nako ya dipula. A re Senyawe ke mongwe wa metse e e aperweng ke tlhaelo ya metsi e bile go botlhoko le go gaisa ka ba sena le lone letamo. Mo go tse dingwe, Mme Dinizulu a re ba kgonne go aga ntlo ya borobalo ya LA2 ka madi a, e a reng e saletswe fela ke go gokelelwa motlakase. A re ntlo e, e tlaa direla VDC madi ka ba tlaa kgona gore ba e hirise ba lwantshe tlhaelo ya boroko mo motseng. O tshwaetse fa ntlo e, ba e agile ka P383 000 mo ngwageng wa madi wa 2017/18. Mokwaledi o buile fa go ya pele ba ikaelela go agelela sekole se sebotlana ka teraka e e tiileng ka mo nakong ya gompieno leruo le tlhagela mo sekoleng ka terata ya teng e sa nonofa. Mme Dinizulu a re go lwantsha tlhaelo ya metsi mo motsing ba ikaelela go aga matangwana mo lotshitshing lwa dinoka fa ba santse ba emetse go aga letamo le letona. O bua fa go na le lefelo le le sa bolong go seegelwa fa thoko go aga letamo mme e bile ba setse ba remile ditlhare mo lefelong leo. O tlhalositse fa ba solofetse gore ba ka epa letamo le letona la motse fa puso e ka tswelela ka lenaneo la madi a dikgaolwana. A re fa e ne e se ka madi a, ba ka bo ba sa kgona maiteko a go tlhabolola motse. Ka jalo a re ba lebogela madi a. Mme Dinizulu o kopile ba khansele ya Bokone Botlhaba gore ba nne ba akaretsa komiti ya ditlhabololo fa ba tla go sekaseka dikago, se e le go tlhomamisa gore badiri ba khansele ba fiwa polelo e e nonofileng. society 9 Go ima ga bana ba bannye go tshwenya mapodisi Mogolwane wa mapodisi a Serowe, Superintendent Poloko Oteng, a re go ima ga bana ba dingwaga tse di kwa tlase go ile magoletsa kwa kgaolong ya gagwe ya sepodisi. Mo potsolosong bosheng, Supt Oteng o boletse fa gantsi ba amogela dikgang di tswa kwa dikokelwaneg, mme di bega fa bana ba dingwaga tse lesome le boferabobedi ba tla ka mmetela ba imile. A re se se ngomolang pelo ke gore bangwe go kaiwa fa e bile ba nna le bakapelo ba bone. Rre Oteng o boletse fa bangwe ba tlogetse dikole fa bangwe ba ingaotse kwa malwapeng. O ngongoregetse tlhokomelo ya botsadi. O boletse fa go imisa ngwana wa dingwaga tse di kwa tlase ka na go tlhakanela dikobo le ene e le molato fela o motona. O kopile batsadi go nna le seabe mo tlhokomelong ya bana ba bone ka gore ke bone lesedi la lefatshe. Mo go tse dingwe, o boletse fa bangwe ba santse ba tsiediwa motlhofo mo megaleng ya bone ya letheka, manweenwee a ba romelela melaetsa gore ba tsenye dinomoro tsa bone tsa dibanka ba ba tsenyetse madi. A re ba kopane le dikgang di le mmalwa batho ba tsieditswe mme ba sa lemoge. BOKHUTLO health 6 Kgosi Sekai o ganetsa dipego Mothusa kgosikgolo ya Bakgatla Kgosi Rre Bana Sekai o ganeditse dipego go tswa makalaneng mangwe a dikgang tsa gore o batla go nna leloko la Ntlo ya Dikgosi. Fa a buisa phuthego kwa kgotleng kgolo ya Bakgatla mo Mochudi e e neng e tsenwe ke dikomiti tse di farologanyeng le bogogi jwa maphata a puso mo Kgatleng, Rre Sekai o ne a re ene o siame ka maikarabelo a a a neetsweng ke kgosikgolo wa Bakgatla Kgosi Kgafela II. “Nna ke siame mo setilong se Kgabo a ntlogetseng mo go sona. Mo gongwe mo ke dipuo fela tsa batho ba ba senang nnete,” ga rialo Kgosi Sekai. Le fa go ntse jalo, o supile gore go tlaa nna le phuthego ya dikgosi le dikgosana tsotlhe tsa Kgatleng Moranang a tlhola gane go tla go rera dikgang tsa morafe ga mmogo le yone ya boemedi jwa Bakgatla kwa Ntlo ya Dikgosi. A re kgang e nngwe e ba tsileng go bua ka yone ke matshwenyego a Bakgatla ka lonyalo lwa Sekgatla e bile e le lwa Setswana. O ngongoregile gore tsamaiso ya lonyalo ga e salwe morago mme go dirwa solanka fela gore batho ba nyalane. “Di- Mo dikgannyeng tse dingwe o boleletse morafe gore molao o fetotswe gore e nne molato go tlhakanela dikobo le ngwana yo o ka fa tlase ga dingwaga tse di lesome le borobabobedi go tswa mo dingwageng tse di lesome le borataro. “Ke tsibosa banna ba ba senang tlhaloganyo, motho a tswelang ngwana pelo a sa tlhajwe ke ditlhong,” a rialo Kgosi Sekai. Ka kago ya loobo lwa kgotla, Kgosi Sekai o rile komiti e e eteletseng pele tiro eo e mo solofeditse gore e tlaa bo e weditswe ka 2021. “2021 ke tsholofelo ya me gore phuthego ya rona ya ntlha mo ngwageng le morafe e tlaa bo e le ka fa tlase ga loobo,” a rialo Kgosi Sekai. O rile komiti eo e tlaa bega dikgang tsotlhe ka loobo mo phuthegong ya kgotla e e tlaa tshwarwang ka Seetebosigo. “Le ba Phuthadikobo Museum ba tlaa bo ba le gone fa mo phuthegong ya kgotla, ka e bile go lebega ba feditse go dupa dibuka tsa bone, ba tle ba re nankolele,” ga rialo Kgosi Sekai. Kgosi Sekai o buile gape gore morafe o tshwenyegile ka mosuke wa dikoloi fa go ile go tsewa direpa. A re go ka tsamaya fela dikoloi di le pedi kgotsa tharo fa go isiwa serepa kwa lwapeng. O ne a laletsa morafe thapelo e e rulagantsweng ke ba kereke ya Sabata e e tlaa tshwarelwang kwa kgotleng kgwedi eno e tlhola masome a mararo. “Ke tsile gape go laletsa dikereke go tla merapelong mo kgotleng Moranang a supa re tle go rapelela dikgwetlho tsa kgaolo ya rona ebong dipolaano, dikotsi tsa dikoloi, dipetelelo fela jalo,” a bua jalo. Mopalamente wa Kgatleng Bothaba Rre Moagi Molebatsi ene o rotloeditse balemi-barui go ikgobokanya go dira makgotla e le tsela nngwe ya go tsisa seriti mo mhameng oo. O kgothaditse babereki ba puso go ema ka dinao go bona gore meamuso e solegela Bakgatla molemo. BOKHUTLO society 9 Banni ba Sebina le Nshakashogwe lela ka lenyora Baagi ba Sebina le Nshakashogwe ba boleletswe fa thulaganyo ya go siela metse ya bone metsi go tswa kwa letamong la Ntimbale e tsweletse. Se, se builwe ke mopalamente wa Shashe Bophirima, Rre Fidelis Molao mo diphuthegong tsa kgotla bosheng. A re tiro eo, ee tlaa lopang P300 million, e akaretsa kgokelo ya metsi mo metseng e le masome matlhano le bobedi. Rre Molao, yo gape e leng tona wa thuto go tswa kwa moding, a re tiro e tlaa simolola kgwedi e tlang e rogwa, mme go solofetswe gore e wediwe kgwedi ya Seetebosigo ngwaga oo tlang. A re seo e tlaa bo e le yone tharabololo ya sennelaruri ya selelo sa letlhoko le tlhaelo ya metsi. O tsweletse a bolela fa didiba di le lesome le bobedi tsa Maitengwe tse di nosang metse mengwe e e mo kgaolong eo di dira sentle kwa ntle ga tse pedi fela. A re metsi a a tswang koo ga a lekane go nosa batho, ka jalo ke sone se se dirang gore metse mengwe e tlhaelelwe ke metsi. A re le fa go ntse jalo, puso e leka bojotlhe go bona gore batho ba bona metsi ka e santse e le mo thulaganyong ya go gokela sediba se se kwa Goshwe gore le sone se thuse ka sena le metsi a mantsi. Mo go tse dingwe, Rre Molao o ile a gakolola dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse eo gore ka madi a abelwang dikgaolo a P10 million, ba kopane e le metse ya Shashe bophirima gore batle ba solegelwe molemo ke lenaneo leo, gona le fa baikemetse ka nosi. Banni ba metse eo, ba ne ba lela ka letlhoko la metsi, mo ba setseng ba a nwa metsi a noka,selo se ba kaileng se baya matshelo a bone mo diphatseng. Kwa Sebina, Kgosi Shathani Kgakanyane o ne a ngongoregela majalwa a a titielwang mo malwapeng le diletso tse di letswang bosigo jotlhe. Kgosi a re seemo se ne se dule mo taolong bogolo jang ka malatsi a boitapoloso a botsalo jwa Morena le ngwaga o mosha. Fa a tsibogela mangwe a matshwenyego, Rre Molao o boletse fa ina lentle le itirelwa ka jalo a kopa banni ba metse eo go bona gore ba fedisa botlhokatsebe ka ponyo ya leitlho. O ne gape a gakolola gore ba ba direlang dikgwebo mo maplwapeng ba bone gore dikgwebo tsa bone ga di kgoreletse botsogo le kagiso ya ba ba bapileng le bone le yone kgotlelesego ya tikologo tota. Mogolwane kwa khamphaneng ya metsi, Rre Morris Mpotsang, a re maiteko a bone ke go bona gore mo nakong ya gompieno ke efe metse e tlhaelelwang ke metsi le goire e ka thusiwa jang. society 9 Bomme ba monela marulana pele Bomme ba balemi ba kgaolo ya Tutumeba simolotse go ipaakanyetsa temo ka go dira metshelo e mo go yone ba kokoanyangmadi a a tlaa ba thusang mo temong. Metshelo eo e rotloeditswe ke bomme ba ba mo komiting yabalemi ya Tonota,Tutume le Masunga (TOTUMA Farmers Committee). Fa a bua kaletsatsi la motshelo oo o o neng o diretswe Mme Botswana Mapho kwa Tutume , Mme Felicious Monna o ne a bolela fa maloko a le lekgolo le masome amatlhano mme ba ikgaogantse ka ditlhopha tsa maloko a le lesome le bobedi. Mme Monna a re go dira motshelo wa go nna jalo e ne e le gokopana le balemi ba bangwe ka ba ne ba lemogile fa wa esi o sa ele ka jalo babona go tshwanela go nna seopo sengwe go tla go rutana ka maele a temo bogolojang ba lebile dikgwetlho tse di tlisiwang ke phetogo ya loapi. O ile a tlhalosa fa ba setse ba lemogile phetogo e tona fae sale ba simolodisa metshelo eo dingwaga tse pedi tse di fetlileng. A tlhalosafa madi a ba a tshelelang maloko a dirisiwa mo ditirong tsa temo gore molemi aseka a nna le go ipata ka sepe. Mme Monna a re go dira motshelo ooe ne e le go bopa bomme go nna le mowa wa lerato go tlogela mokgwa o ba otsayang ba sa dire sepe ba dikologa le meriti le tshele. A re gape fa ba kopane ba rotloetsa balemi bangwe go lema kaditselana, go ntsha mehero le go tsenya menontshane mo masimong a bone, a re bakgona go nna le letsatsi le ba etelang masimo a bangwe go ya go bona ka fa balemang ka teng go tsaya malebela. O ne a supa fa balemi ka bontsi ba setse ba kgatlhegetsemotshelo oo mo ebileng o gola nako le nako. A re seo se ba fa monyenyo ka babona fa ba tlaa nyeletsa lehuma le mokgwa wa bogologolo o balemi ba neng balema ka go gasa. A gatelela ka gore go tsena ga baikopedi ka dipalo tse dintsigo supa phetogo e ntsi ya mokgwa wa go lema ka ba rotloetsa go lema kaditselana mongwe le mongwe wa leloko la bone go sa lebelelwe gore o dirisa enggo lema. Mme Monna o ne a tlhalosa fa bontsi jwa maloko a balemi batswa Tutume, a gatelela ka gore go setse go supa fa go na le bangwe ba batswang kwa metseng e e mabapi ba ba setseng ba itshupile fa ba na le kgatlhegoya go ka gokagana le bone. Fa a tswa la gagwe, Mme Botswana Mapho o ne a bolela famotshelo oo o ile wa mmula matlho morago ga go bona ka fa ba leng lorato kateng, thuto ya bone ka temo, tirisano mmogo le tshwaragano ya bone le maloko kajalo le ene a inaakanya le bone ngogola. Mme Mapho a re balemi bao ke ba ba ititeileng sehuba gore batlaa jesa Batswana gape ba tlaa nyeletsa lehuma le masimo ga a na go jewa kemhero ka ba bereka ka pelo e le nngwe le lorato go ntsha maduo a ba itlamilenggo a dira. environment 5 Khamphane e akgolela puso go e abela tiro ya ditena Modulasetilo wa khamphane ya Itsoseng kwa Phitshane Molopo, Mme Kgakgamatso Matlala, o lebogetse puso go ba abela tiro ya go dira ditena tsa kago ya kokelo ya Moshupa. Mo potsolotsong bosheng, Mme Matlala o tlhaloitse fa ba setse ba rotse ditena di feta 12 000, mo go tse 50 000 tse ba tshwanetseng go di dira. A re khamphane ya bone e simologile ka 2018 ka dithuso tsa nyeletso lehuma, mme lekalana la BITRI le ba rutuntshitse go dira ditena. Mme Matlala o kaile fa ditena tse ba di dirang e le tsa maemo aa kwa godimo ka ba dirisa mmu oo tlwaelesegileng ka go bidiwa wa Kgalagadi. O kaile fa metse ee mo molapong o montsho; Mabule, Mmakgori, Tshidilamolomo go ya kwa Sekhutlane, e agile ka setena seo, . Morutuntshi go tswa kwa BITRI, Rre Bampoloki Kopane, o tlhalositse fa setena se ba se dirang e le se se thata e bile se sa thubege thubege fela ka ba dirisa boranyane jo bo tlhwatlhwa le mmu o o lolameng. A re ka letsatsi ba dira ditena di le 750. Rre Kopane o kaile fa maphata a puso mo kgaolong a reka setena se. A re khamphane e setse e godile, e bile badiri ba yone ba setse ba itse tiro, a tlatsa ka gore o dumela fa e tlaa ntsha ba le bantsi mo lehumeng. Khamphane eo e thapile batho ba le masome mabedi le bobedi. economy_business_and_finance 3 Maphata a phepafatsa lelwapa Badirelapuso ba Kanye ba ne a tswa letsholo go ya go phepafatsa lelwapa la ga Mme Diteko Thomas, yo o sa kgoneng go itirela sepe ka ntata ya bokoa gape a nna a le nosi mo kgotleng ya yoora Sebenego mo Kanye bosheng. Mo badiring ba, go ne go le ba lephata la dikitsiso, ba dipasa le mesepele, ba gogwa pele ke ba ga molaodi. Ba ne ba mo abela gape le melora, dinotsididi le maungo. Phefatso e ne e ama go feela lelwapa, go kgaola ditlhare le majang mo tikologong ya lelwapa. Fa ba bua morago ga tiro, mothusa molaodi, Rre Tshepho Kgotso o boletse fa ba diragatsa ikuelo ya ga Tautona ya go thusa setshaba ka fa ba ka kgonang ka teng le ba ba tlhokileng lesego. Rre Kgotso o boletse fa e le tshimologo ya go thusa Mme Thomas, a bolela fa dikgolo di tla. O boletse fa ba ikaegile ka lengwe la matshego a puso la tshaba e e kutlwelobotlhoko. A re ba thusitswe ke ba boipelego go tlhopha Mme Thomas. Fa a leboga, mokhanselara wa Marapalalo, Rre Kabelo Lemme o ne a akgola maphata a, a kopa gore maphata a mangwe le one a tseye malebela. Mokhanselara Lemme a re o kopile dikhamphani ka go farologana go thusa mme ba santse ba mo solofeditse. Rre Lemme o boletse fa go le maleba gore badirelapuso ba thuse fa ba leng teng e seng go ya kgakala ba tlogela fa ba berekang teng. E rile a amogela maphata ao, kgosana yoora Sebonego, Rre Makgaola Sebonego a supa fa ba itumetse. O kgotlhaditse badirelapuso go tswelela ka mowa o o ntseng jalo. Fa a ba leboga, Mme Thomas a a tlhokang a le tlhaeng. Mme Thomas ke mogodi e bile o nna a le nosi, a dirisa dithobane go tsamaya, mme a thusiwa ke ba boipelego. BOKHUTLO politics 7 Maitseo a fa seriti Banana ba lenaneo la Tirelo Setshaba ba tlhaloseditswe gore maitseo a a eletsagang a fa motho seriti gongwe le gongwe fa a tsamayang teng e bile gape a tlhalosa le kwa motho a tswang teng. Fa a bua mo potsolotsong, Mme Marea Mocheko yo o sa tswang go tsena thuto puisano e e neng e diretswe banana ba Tirelo setshaba ba metse e e okametsweng ke kgaolo potlana ya Mahalapye kwa Moeng bosheng, o boletse gore bagolwane ba ba kopile gore ba nne le boitshwaro jo bo eletsegang mo tirong gonne ba amogela dipego tse dintsi tsa banana ba ba boitseme. Mme Mocheko yo o kaileng fa a direla kwa kgotleng ya Borotsi a re ba kopilwe go tsaya ditaelo dingwe le dingwe tse ba d i fiwang mo tirong ka lorato le tlotlo mme a tlhalosa fa ba rebotswe gore fa ba sa kgotsofale kgotsa ba bona okare ba a gatelelwa mo tirong, ba ba begele diemo tse ba mo go tsone ntle le poifo epe mme ba seka ba supa seo ka go tlhokela bangwe ka bone maitseo. O rotloeditse banana ba bangwe go tsaya maiteko a puso ka tlhoafalo gore tema e bonale. A re lenaneo la Tirelo Setshaba le mo thusa fela thata ka mo nakong eno a kgona go itirela se a se eletsang ka madi a gagwe a sa kope thuso ya ga ope, jalo a kgothatsa bangwe ka ene go dirisa madi a bone sentle mo dilong tse di ka ba sologelang molemo. A re ga a itumediswe ke banana ba ba tsweletseng ka go tlogela ditiro tsa bone go ya go nna fela kwa malwapeng ka a re o ipotsa gore a ba ne ba sa ikakanya pele fa ba tsena mo lenaneong le. O tsweletse a re o ipotsa gore a ba tlogediswa ke gore ga ba bone sengwe se ba neng ba se solofetse fa ba direlang teng. Mme Mocheko o kopile puso go tsibogela go ba abela paka e ba tla a nnang ba e apara fa baya tirong jaaka ba ne ba solofeditswe. O kopile gape gore dituelo tsa bone di tle ka nako e e beilweng e seng go tsaya nako e telele jaaka go e tle go diragale. O supile fa thuto puisano eo e mo solegetse molemo thata ka e ne e le yone ya ntlha ba e tsena fa e sale ba simolola go direla setshaba. education 4 Mokgatlho wa Men Sector o itoma wa tlase Modulasetilo wa mokgatlho wa Men Sector mo Selebi Phikwe Rre Ishmael Morebodi a re maikaelelo a mokgatlho oo ke go bona gore mogare ga o aname le go kganela o mosha go tsena ba ba iseng ba amege. Rre Morebodi o tlhalositse fa mokgatlho wa Men Sector o tlhamilwe ka ngwaga wa 2000 mme o ne o itebagantse le maphata a Botswana Defence Force,Botswana Police le Botswana Prisons maikaelelo e le go dira pharologano e e tseneletseng go bona gore borre ba ba santseng ba itekanetse mo tlhakanelong dikobo ba e dira ka pabalesego le go ba rotloetsa go rupa. Rre Morebodi a re maikaelelo a go tshwara letsatsi la borre pele le diragala ke go ba baakanya ditlhaloganyo gore e re ba itumetse ba bo ba gakologelwa tse ba di ithutileng le go tsaya boikarabelo. A re Keletso ya bone e le ba Men Sector ke go bopa toropo ya Selebi Phikwe go nna e motho a ka eletsang go nna mo go yone. Rre Morebodi a re borre ba itlhokomolositse boikarabelo ja go tlhokomela bana mo malwapeng mme se se dira gore bomme ba rwale bokete jwa go ba tlhokomela ba le nosi. Molalediwa wa letsatsi go tswa kwa District Health Management Team e bile e le molomaganya ditiro tsa go lwantsha mogare mo Selebi Phikwe Rre Austin Motsamai, a re dipalo di supile fa borre ba feta bomme mo toropong ya Selebi Phikwe. Rre Motsamai a re fa go tla mo go itlhatlhobeleng mogare dipalo tsa bomme di feta tsa borre. A re se se rurifatsa fa borre ba goga dinao go itlhatlhoba. O tsweletse a tlhalosa fa dipalo tsa borre ba ba rupileng di le kwa tlase ga tse ba di solofetseng. Rre Motsamai a re e le ba lephata la botsogo ba rotloetsa borre go tsamaya le bakapelo ba bone fa ba imile go ya go itlhatlhoba mmogo mme a tlhalosa fa masome a marataro le borobabobedi mo lekgolong ya borre e le bone ba dirang jalo. Rre Motsamai a re Men Sector e santse e lebanwe ke tiro e ntsi go rotloetsa borre go itlhatlhoba ka dipalo tse di kwa godimo. Rre Motsamai a re dipalo tsa banana ba ba imang ba santse ba le kwa dikoleng le tsone di gola ngwaga le ngwaga a supa gore erile ka ngwaga wa 2013 mo Selebi Phikwe bana ba ba neng ba imile ba ne ba le lesome. A re ka 2014 ba nna lesome le boferabongwe fa ka ngwaga wa 2016 ba ne ba le lesome le botlhano. A tswelela ka go supa fa ba sa imisiwe ke balekane ba bone mme e le bagolo ba ba kwa malwapeng. Rre Motsamai a re go ima ga banana go na le ditlamorago tse di ka ba tlhakatlhakanyetsang botshelo jaaka lehuma le go gatelelwa ke dikakanyo tse di ka ba senyang tlhaloganyo. Kwa bofelong o ne a rotloetsa borre ba ba mo lenaneong la go tsaya diritibatsi go nna keletlhoko ka dinako tsotlhe go bona gore ga ba di tlodisi ka e re ba ntse ba tsweletse ba bo ba di tlogela.A re seo se dira gore bolwetse bo seka ja laolesega. society 9 Komiti e emela Kisa ka dinao Komiti ya ditlhabololo tsa Kisa mo kgaolong ya Kgalagadi ga e batle go nna phokoje wa morago mo maikaelelong a lefatshe leno a gore ka 2016 Batswana e bo e le setshaba se se lerato ebile se le kutlwelo botlhoko. E rile mo puisanong bosheng, mokwaledi wa komiti eo, Mme Ngwanakhumo Kelefile a supa fa ba nnile le karolo e tona thata mo go tlhabololeng matshelo a batho ba motse oo. A re komiti ya bone e abetse batlhoki ba motse ba ba neng ba ipopile setlhopha tshingwana ya merogo e ba neng ba e rekile mo khanseleng mme khansele ya ba thusa ka di dirisiwa, ditanka tsa metsi, dipeo le menontshane go simolola kgwebo, e mogo seno sebaka ba setseng ba itshetletse ba ebile ba e itsamaisetsa . O tsweletse a supa fa setlhopha se, se ne sa tshwaragana le dikomiti tse dingwe tse di amegang mo ditlhabololong tsa motse mme tsa bereka go tokafatsa masthelo a batho. Mme Kelifile o tlhalosa ba gwetlhilwe ke go bona batho ba motse o ba tsena ka mmetela mo lenaneong la go phaka dijo tsa batlhoki a supa fa selo se, se diga batho seriti. Fa a ntsha la gagwe modulasetilo wa setlhopa Mme Senwelonyana Metswi a re, ka ele paka ya dipula ba lemile dijwalo tse di tsamaelang le paka jaaka mmidi, mabele le dinawa. O supile fa ba lebogela se komiti e ba se diretseng ka ba sa tlhole ba ikaegile ka puso go ba jesa mme ba itirela dijo ka diatla. A re e rile ba sena go ikgobokanya ba isiwa kwa Pelotshetlha go rutuntshiwa ka tsa temo. Mme Metswi o supile a tshwentswe ke maloko mangwe a a boitseme mo tirong , a re ga a batle go bona maiteko a komiti ya ditlhabololo tsa motse wa bone a phutlhama ka jalo o gwetlha botlhe ba ba ka tswang ba bone dithuso dipe fela tsa puso go dira ka natla. Mme Kelefile a re kwa ntle ga go aba tshingwana ya merogo ba agetsea motlhoki ntlo mo motseng oo, morago ga gore ntlo e a neng a nna mogo yone e jewe ke molelo e bo e lore. A re gape ba setse ba kile ba agela bana ba dikhutsana ntlo ya Setswana mme ba dira jalo ba tshwaragane le ba tlhokomelo balwetse mo malwapeng. O tsweletse a re le fa bane ba kopa puso go agela batlhoki le bana le bogole matlo, go fitlha ka jaana ba setse ba agile matlo a le matlhano ka thuso ya ba Ipelegeng. Fa a tlhalosa ka fa ba bonang madi ka teng , mokwaledi a re ba nale matlo a ba a hirisetsang babereki ba ba mo motseng gammogo le mogotlha wa dikgomo o ba duedisang barekisi ba dikgomo fa ba o dirisa. O tladitse ka gore ba a tle ba thapiwe ke dikompone ditshwana le koporase ya motlakase (BPC) go ba tlhagolela mo mafelong a tsone. Mme Kelefile o supile dikgwetlho tsa bone di akaretsa batho ba ba sa ba dueleng sentle ba ba hirisitseng matlo a bone le go gokela motlakase mo matlong ka ditlhwatlhwa di le kwa godimo fa di tshwantshanya le go o gokela mo lwapeng. BOKHUTLO society 9 Dirang ka botswerere - Kgosi Maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa Otse a kopilwe go bereka ka botswerere le go seegela dikeletso tsa bone kwa thoko gore ba tle ba kgone go dira tiro ya morafe ka botlalo. E rile a bua mo thuto puisanong ya maloko a VDC kwa Otse bosheng, Kgosi Mothusi Tsetse a ba gakolola go tla ka methale e ba ka tsenyang madi mo letloleng fa ba fitlhela go sena sepe le gone go tsena diphuthego tsa khansele gore ba itse se se diragalang mo kgaolong ya bone. E ne ya re a tswa la gagwe, mogolwane go tswa kwa ofising ya Boipelego kwa Ramotswa, Mme Martha Kamodidi, a tlhalosa fa maikaelelo a thuto puisano e le go tlhatlhelela maloko ao ka tsamaiso ya VDC, go ba ruta ka mananeo a a leng teng mo lephateng la Boipelego le go ba tlhatlhelela ka makalana a ba ka a dirisang go ikopela madi. Mme Hendrianah Hangero go tswa kwa lephateng la Community Development kwa Gaborone, o tlhalositse fa go tlhophiwa ga komiti ya VDC, go tshwanetse ga dirwa ke morafe . O tlhalositse fa go tshwanetse ga tlhophiwa motho yo o itseng go bala le go kwala, a le dingwaga di lesome le borobabobedi go ya kwa godimo e bile a na e karata ya Omang gape a dumetse g tlhophiwa. O tsweletse a bolela fa tiro ya ntlha ya VDC e le go sekaseka letlhoko la motse, le go tswa ka ditselana tsa go intsha mo lehumeng ba dira se ba na le morafe. O tlhalositse fa leloko le batla go tlogela komiti ya VDC, le tshwanetse go ba itsese mo kgweding tse pedi pele le tlogela gore go nne le nako ya go dupa dibuka. Mme Hangero o boletse fa komiti e na le thata ya go seegela fa thoko leloko le le nang le dikgang tse di tlhotlhomisiwang le le le nang le boitshwaro jo bo sa itumediseng. society 9 Madirelo a molora a tlaa tlhabololwa Molaodi wa kgaolo potlana ya Letlhakeng, Rre Boammaruri Otlhogile a re ba tsweletse ka go tlhabolola madirelo a molora kwa motseng wa Serinane a a ka fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma. Rre Otlhogile o buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Letlhakeng-Lephepe, Rre Liakat Kablay kwa motseng wa Serinane bosheng. Banni ba motse oo, ba ne ba ikuetse kwa mopalamenteng wa bone tebang le ditsompelo tsa madirelo ao tse di saletseng kwa morago di akaretsa go tlhoka go gokelwa ga motlakase le metsi. Ba ne ba supa fa motlakase le metsi e le konokono ebile di kgoreletsa tswelelo pele ka jalo ba setse ba fela pelo ka jaana kopo ya bone e tsaya lebaka go arabiwa. Rre Otlhogile o ne a itsise banni fa kopo ya bone e le gaufi le go arabiwa ka ofisi ya gagwe e ntse e rwele ditlhako go ikopanya le lephata le le gokelang motlakase ga mmogo le la metsi mme ebile a kaya fa ba solofeditswe gore e tlaa re mo nakong e khutshwane motlakase le metsi di tlaa bo di gokeletswe. O ne a kopa banni go nna ka tsholofelo ka go sena sepe se se ka thibelang gore maitlamo a go tlhabolola madirelo ao a diragadiwe ka madi a a le teng. O ne a bolela fa madirelo ao e le nngwe ya a matona mokgaolong eo ebile a kaya fa e le yone fela ya mofuta o go ralala lefatshe ka bophara ka jalo e tshwanelwa ke go tsewa ka tlhwoafalo. O ne a kaya fa a tsile go sologela banni ba motse molemo ka go thama ditiro e le nngwe tsela ya go tlhabolola matshelo a bone. Rre Otlhogile o ne a tlhalosa fa madirelo ao a tsile go itsa gore banni ba dirise madi a mantsi go palama ba ya go reka melora kwa Letlhakeng le Molepolole le metse e mengwe. A re ka e le madirelo a magolo go ne ga bonwa go tshwanela gore a agelwe ntlo ya one a le nosi morago ga gore a kopelwe kwa sekolong mme jaanong a fudugetse kwa diofising tsa ba boipelego. Mo go tse dingwe, banni ba ne ba kopa gore ba phunyediwe sediba kwa motseng oo ka ba bone leroba. E ne ya re go tsibogela ntlha eo, Rre Kablay a ba itsise fa leroba leo le sekasekilwe mme ebile le tlaa tswelela ka go akanyediwa ka goromente a santse a tlhaelelwa ke madi. O ne a kopa banni go nna ka tsholofelo ka dilelo tsa bone di itsewe ebile di tlaa arabiwa tsotlhe ka bonya ka bonya ka go se bonolo gore di ka dirwa ka nako e le nngwe ka lebaka la tlhaelo ya madi. Rre Kablay o ne gape a itsise banni fa dikago tsa ofisi ya ga kgosi le tsa sepodisi e le dingwe tsa ditlhabololo tse di akanyediwang ka go lemogilwe gore motse o a atologa. society 9 Banni ba Mmatshitswane tshwenngwa ke tiriso ya ditagi Banni bangwe ba kgotla ya Mmatshitswane kwa Kanye ba lela ka baithuti ba ba dirisang ditagi. Fa ba bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile, ka Labone, banni ba boletse fa ditagi di na le seabe se se tona mo kwelo tlaseng ya maduo a ditlhatlhobo. Mongwe wa banni Rre Ketshotse Gaolatlhe o ne a tlhalosa fa dikgang tsa tiriso ya ditagi di atile mo dikolong a tlatsa ka gore e ne ya re bosheng ga tshwarwa baithuti ba le lesome le boferabobedi kwa sekolong se segolwane sa Mookami ntateng ya ditagi. O ne gape a kgala batsadi ba ba neelang bana ba bone ditagi gore ba di rekisetse baithuti ba bangwe kana ba ba dumelang go ya go rekela bana ditagi tseo ka nako ya sekolo. Rre Gaolatlhe o ne gape a supa fa a tshwentswe ke go ikgogela morago ga batsadi mo thutong ya bana ba bone ka jaana ba sena kgatlhego epe Banni bangwe ba ne ba bolela fa go tlhoka matlwana a borutelo go digetse kwa tlase maduo a baithuti ba Sebego morago ga gore kago ya matlhatlhaganyane e ba neng ba tsenela mo go yone e ranyege ngogola. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ne ba tlhalosa fa go tlhoka dibuka le didiriswa jaaka dipene, matlwana a boitiketso le gone go nnile le seabe se setona mo maduong a bone. Ba ne ba tlhalosa gore seemo se, se ne sa dira gore batsadi bangwe ba seka ba nna le kgatlhego ya go ntsha madi a ditlhabololo tsa sekolo ka jaana ba ne ba re bana ba bone ga ba rutiwe. Ka jalo, ba ne ba kopa mmuso go gagamatsa molao gore botlhe ba ba ka fitlhelwang ba rekisa motokwane kana ba na le seabe sengwe ba otlhaiwe thata. Mo go tse dingwe, banni ba ne ba akgola mmuso go bo o tsweletse ka go tsaya megopolo mo Batswaneng ka molao kakanyetso wa bogodu jwa leruo. Mme Obena Kagiso le ene o ne a supa fa a sa jesiwe diwelang ke ditsheko tse di atlholwang kwa ga mmakaseterata, ka jaana baikuedi ba felela ba lebagana le diagente mo a reng go mo utlwisa botlhoko le go feta ka jaana ba felela ba latlhegelwa ke ditsheko ntswa ba utswetswe. Ka jalo, ba ne ba kopa gore dikgang tsa bogodu jwa leruo di busediwe kwa dikgotleng tsa setswana Fa a tswa la gagwe, Rre Kesupile o ne a kopa tshwaragano magareng ga batsadi, barutabana, baithuti, le bogosi gore thuto e tle e tokafale. Mopalamente Kesupile a re mo molaong kakanyetso wa leruo, Batswana ba ba utswang le ba ba amogelang leruo la bogodu ba tlaa nna le ditsheko tse di farologaneng. A re ba ba utswang lantlha ba tla atlholwa dingwaga tse di magareng ga lesome le lesome le bobedi fa yo utswang la bobedi a tla atlholwa di le lesome le botlhano fa ba ba nang le seabe bone ba tla tsena dingwaga di le tlhano mo toronkong. O ne a bolelela banni gore pele ga modira molato a ka ya toronkong, o tshwanetse go duela madi a leruo le a neng a le utswile a tlatsa ka gore dirukutlhi tsotlhe tse di ka lobang dithoto tsa bone gore ba seka ba duela ba tla di gama ba sa di tlhapela. BOKHUTLO health 6 Masalela a bolokilwe Mokwaledi mogolo mo lephateng la meepo kgotetso le metsi, Rre Boikobo Paya, o lebogile ba malwapa a mane, ba ba ileng ba dumela gore masalela a batsadi le masika a bone a bolokiwe gape kwa mabitleng a Mmaphula go sutela ditlhabololo. Rre Paya a re go epololwa ga baswi gantsi go kgobera maikutlo a ba masika le ditsala ka gore go abo go tsoswa di letseng, a tlatsa ka gore go molemo go bona batho ba ba amegang ba kgonne go tlhaloganya ba bo ba amogela ka lerato. A re se ke ditumalano tsa mafatshefatshe gore ditlhabololo di seka tsa kgorelediwa ke sepe mme ga dumalanwa gore le one mabitla tota a fudusiwe fa e le gore e ka nna sekgoreletsi mo ditlhabololong. A re mme tshwanelo ke gore go dirwe thulaganyo ya go rerisa ba ba amegang pele le morafe. Thulaganyo e fa e dirwa go a bo go biditswe bo maitseanape ba ba rutetsweng go kanoka marapo a baswi , le gone go ka bolela gore ke a ga mang go itsa ketsaetsego mo morafeng. O ne a supa fa ese lantlha tiro ya mofuta o e dirwa mo lefatsheng leno, bogolo jang fa ba ntse ba tsweletse le go dira thulaganyo ya go siela setshaba metsi, a re engwe ene ya diriwa kwa Thune, Shashe, le Dikgathong go balelwa le e e neng ya diriwa gone mo Palapye fa go agiwa Mmadikolo wa bobedi, eleng BIUST. Rre Paya a re masalela a epolotswe fa go yang go epiwa mosele o o yang go tsenya pompo ya metsi a a nowang a tswa kwa Dikgathong, go ralala Palapye e ya Moralane, e bo e tswelela fela go fitlha kwa Gaborone le go fetela kwa pele. O ne a lemotsha batho ba Palapye gore motse wa bone o lesego ka ke one o tsileng go akola metsi a mantsi, ka o le mo gare. Rre Paya o ne a tswelela a bolela fa tiro e ya go tsenya dipompo tsa metsi e lopile P1, 5 Million, mme e solofetswe go wediwa ka 2015 go tswa kwa go 2012 kwa e simolotseng teng. E rile a ntsha la gagwe mopalamente wa Palapye, Rre Master Goya, a kgothatsa morafe wa Palapye go itse fa tiragalo e e tlaa nna e ntse e ba ama mo botshelong bogolo jang fa motse o ntse o tlhabologa, le jaaka go ka nna yare nako nngwe go bo go atolosetswa metsi kwa masimong. BOKHUTLO society 9 Tshwaragano e ka fedisa kgokgontsho Mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Serowe, Mme Semakaleng Moamogwe, a re mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go thusa go fedisa kgokgontsho ya bomme le bana. O buile se bosheng kwa Mabeleapodi kwa kgaolong ya Legare fa go ne go simolodisiwa semmuso malatsi a a lesome le borataro go lwantsha kgokgontsho ya bomme le bana. Mme Moamogwe a re dipalo tsa sepodisi di supa fa melato ya kgokgontsho e le kwa godimo segolo jang melato ya petelelo. A re Botswana o tsere boikarabelo go lwantsha kgokgontsho ya bong ebile se se se supagetse bosheng fa Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi a ne a simolodisa semmuso malatsi a a lesome le borataro kgatlhanong le kgokgontsho ya bong. Mo go lekeng go fedisa dikgang tsa kgokgontsho ya bong, puso e netefaditse go nna teng ga molao wa National Policy on Gender and Development. A re go na le tshetlana e e itebagantseng le go sireletsa ditshwanelo tsa setho le go bona gore ba ba tlhokofaditsweng ga ba bewe ka fa mosing fa go tla mo go boneng ditirelo tsa semolao. A re boeteledipele mo mehameng e e farologaneng, bo tshwanetse go di goga kwa pele go tsibosa setshaba le go amogela gore kgokgontsho e teng ebile e ka nna le tharabololo fa botlhe ba ka tsaya boikarabelo. Mme Moamogwe a re fa go buiwa ka dikgang tsa kgokgontsho ya bong, ga go a tshwanela go itlhokomolosiwa gore le fa dipalopalo e le tsa bomme le bana, go na le borre ba ba tshelelang mo kgokgontshong ebile ba a swa senku ka gore ngwao e ba baya ka fa mosing ka go solofelwa gore rre o ka emela diemo tsotlhe. O kopile botlhe ba ba kgokgontshiwang go ikuela, a supa fa bana-le-bogole ba kgokgontshiwa ke ba ba ba tlhokomelang e leng masika le balekane ba bone, selo se a reng ke matlhotlhapelo le matlhabisa ditlhong. A re go a tshwenya go utlwa gore ditshwanelo tsa batho di gatakwa ka dinao mme a kopa botlhe go ikela tlhoko gore maitsholo a bone a se ka a tsenya matshelo a bone mo diphatseng jaaka bomme ba ba tsamaya ba le nosi bosigo. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Borukutlhi bo keketse ko Monarch Banni ba kgaolo ya Monarch kwa Francistown ba ikuetse ko mopalamenteng wa bone wa Francistown Bophirima Rre Ignitius Moswaane ka borukutlhi jo bo diragalang mo kgaolong ya bone. Ba ikuetse jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa bone ka Mosupologo. E rile a amogela baeng mo kgotleng ya gagwe, Kgosi Charma Montshiwa a gatelela ka borukutlhi jo bo diragalang mo kgaolong ya gagwe, a supa fa bo bakwa ke lefifi le le mo kgaolong ya bone. Mo go tse dingwe, kgosi o ne a kopa morafe wa gagwe go inaakanya le lenaneo la Re-anyalana le ka lone le ka ba thusang go tsena mo nyalong e e boitshepo go itsa go nna mmogo ba sa nyalana. A re batho ba tshwanetse go itse fa lenaneo la Re a nyalana e se la batho ba ba dikobo dikhutshwane, mme mongwe le mongwe o ka inaakanya le lone. Mo tekodisong ya gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Rosinah Lekgaba o ne a tlhalosa fa e le banni ba Monarch ba ikaelela go aga holo ya manobonobo e e tlaa bong e na le sengwe le sengwe se se tlhokafalang mo teng ka madi a ba a abetsweng mo dikgaolong tsa bone go itebaganya le ditlhabololo tsa motse. O ne a kaya fa ba ikaelela go tla go hirisetsa ba ba tlaa bong ba na le keletso ya go e dirisa mo ditirong tse di farologanyeng, jaaka badiragatsi, ba dikereke, ba manyalo le ba bangwe fela jalo e le go leka go tsenya madi mo letloleng la ditlhabololo tsa motse. Fa a ntsha la gagwe, mopalamente Moswaane o ne a kgala a menne phatla batsadi ba ba nang le mokgwa wa go bipa mpa ka mabele ntswa ba itse fa bana ba bone ba amega mo borukutlhing. O ne a itlama ka go dira gotlhe mo a ka go kgonang go bereka le ba sepodisi bosigo le motshegare go lwantsha borukutlhi jo bo mo kgaolong ya Monarch. Ka jalo o ne a kopa morafe gore le one o ikiteye ka thupana go bereka o le seopo se le sengwe le mapodisi mo maitekong a go lwantsha borukutlhi jo. Fa a itebaganya le tsa thuto mopalamente Moswaane o ne a supa matshwenyego tebang le bagwebi bangwe ba ba rekisetsang fa dikgorong tsa dikole, a re go le gantsi bagwebi ba go nna jalo ba na le mokgwa wa go rekisetsa baithuti ditagi tse phelelong di kgoreletsang dithuto tsa bone le matshelo a bone. Bokhutlo politics 7 Baithuti ba ngongoregela seabe sa batsadi Baithuti ba sekolo se sebotlana sa Monwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba re ga ba itumelele seabe sa batsadi mo go rotloetseng thuto ya bone. E rile ba bua kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke bagolwane ba lephata la thuto bosheng, baithuti ba supa fa bontsi jwa batsadi ba sa tsee thuto tsia. Mongwe wa bana bao, Tumelo Kenosi, yo o dirang lekwalo la bosupa, o kaile fa batsadi ba sa ba rotloetse go rata tiro ya sekolo. A re batsadi ga ba dirise mafoko aa siameng fa ba bua le bone fa a ba tshwantshanya le barutabana. Tumelo o supile fa bana bangwe ba sa tsene sekolo sentle mme ba feta fa sekolong pa pagame ditonki go ipontsha le go ikgantshetsa barutabana. Othusitse Ketlaamoreng, yo le ene a dirang lekwalo la bosupa, o supile fa batsadi ba sa kgalemelele bana ditiro tse di sokameng jaaka go tsamaya maitiso, fa Masego Mokgaring, yoo dirang lekwalo la boraro, ene a kopile batsadi go ba ntshetsa madi aa tlhokiwang kwa sekolong. E rile a tswa la gagwe, mogolwane mo lephateng la thuto mo kgaolong potlana ya Letlhakeng Rre Mokwadi Tese a supa fa thuto e tlhoka motsadi, ngwana le morutabana. A re ngwana o tshwaraganelwa ke batsadi le barutabana. Rre Tese o kaile fa ngwana yo o sa tshwaraganelweng a nna makgasa, mme a seka a dira sentle mo dithutong. O boletse fa go tlhoka go tsena diphuthego ga batsadi ele nngwe ya ditsela tse di kgotlelang setho sa baithuti le go ama maikutlo a bone. Rre Tese o kgadile a sa kgwe mathe, batsadi ba a reng ba bua barutabana leswe, ka a re puo nngwe le nngwe e bana ba e utlwang, ba a e dumela mme ba e tseele le mo dithutong tsa bone. A re go dira jaana, go paledisa ngwana go ithuta ka a sa bone morutabana ka sepe fa a ruta. A re mo dinakong tse dingwe, batsadi ba kgoba bana marapo ka go bua dipuo tse fapogileng ka barutabana, bagolo ba bangwe le baeteledipele ba morafe ba akaretsa dikgosi le dikgosana tsa motse. Rre Tese o ne gape a supa fa sengwe le sengwe se ngwana a se dirang mo bonnyeng se gola le ene, a re ka jalo go botlhokwa go godisetsa bana mo tseleng ya tshiamo. Bokhutlo education 4 Molao o akaretsa corona ka fa tlase ga malwetse a a tshelanwang - Ebineng Mokwaledi mo lephateng la tokafatso bodiredi le tlhabololo dikitso, Rre Kabelo Ebineng a re le fa bolwetse jwa COVID-19 bo le bosha bo sa akarediwa mo melawaneng ya phiro, badiri ba seka ba nna le pelaelo epe ka gore ba sireletsegile. “Re a itse gore bolwetse jwa COVID -19 bo bosha, le fa bo seyo mo molaong go na le fa molao o buang ka malwetse a a tshelanwang teng, ka jalo itseng gore COVID-19 le yone e wela ka fa tlase ga tsetlana e,” ga tlhalosa Rre Ebineng. O ne a tlhalosa gore lekgotla la mafatshefatshe la botsogo la WHO, le supile gore bolwetse jwa COVID-19 bo wela ka fa tlase ga malwetse a tshelanwang. O buile jalo mo puisanyong le babega dikgang ka Matlhatso a supa gore fa o ka nna le bothata mo tirong, ka mabaka a go tlhagoga ya bolwetse jwa COVID-19, Tautona o ka dirisa dithata tse a di filweng ka nakwana go baakanya seemo. Rre Ebineng a re le fa go le botlhokwa go oketsa bodiredi mo legatong la boraro la go bulela ditirelo, selo sa botlhokwa go dirwa ke go sireletsa matshelo ka go obamela melawana ya botsogo, ka jalo a re madirelo a tshwanetse a nna mo seemong se se siametseng botsogo jwa babereki. A re le fa go ka tswa go na le dingwe tse di sa welang sentle mo madirelong, go tlhoka mowa wa neelano gore botshelo bo tswelele. E rile a itebaganya le dikgang tsa mhiri le mmereki, Rre Ebineng a re go botlhokwa gore ba ikuele. “Leletsang mogala wa 16650 wa mahala, go bega dikgang tsa lona, diofisi tsa rona le tsone di butswe” ga tlhalosa Rre Ebineng. Rre Ebineng a re le fa molao o let a gore ngongorego e begwe pele ga malatsi a le masome mararo a wela, ka mabaka a gore bolwetse jwa COVID-19 bo kgopakgopetsana le tsamaiso ya tlwaelo, ba ba tlang morago ga lebaka le le beilweng ba tlaa thusiwa. Rre Ebineng o ne a leboga bahiri ba ba ntseng ba dira sentle, ba tshegeditse ditumalano tsa phiro. “Ke leboga le bahiri ba ba baakantseng diphoso tse ba neng ba di dirile mabapi le dituelo tsa babereki, le babereki ba ba neng ba seka ba ipona tsapa go tsibogela dikgang tse di ba amang tsa pereko. Babereki Itseng gore re le goromente, go na le ka fa re ka le sireletsang ka teng fa go sa tsamaisiwe sentle,” ga tlhalosa Rre Ebineng. education 4 Leina la Kgosi ya Lesenepole le santse le padile Mokwaledi mogolo wa ga Tautona Rre Carter Morupisi o kopile maloko a kereke ya Eloyi go baya lefatshe leno mo dithapelong. Fa a bua kwa moletlong wa go keteka letsatsi la matsalo a moeteledipele wa kereke eo ka Matlhatso kwa Palapye, Rre Morupisi a re thapelo e botlhokwa e bile e ka thusa baeteledipele ba lefatshe leno go goga mmogo ka tshwaragano. O kopile maloko a Eloyi go tswelela ba tlotla moeteledipele wa bone Bishop Sekai Jakoba, a tlatsa ka go re baeteledipele ba tshwanetse go fiwa tlotlo. A re boeteledipele jwa lefatshe leno le jone bo tshwanetse go fiwa tlotlo, a re moeteledipele wa lefatshe ke ene fela a filweng marapo a go busa. A re lefatshe leno le thailwe ka mowa wa kagiso le kutlwano, ka jalo maloko a Eloyi ba rapele gore baeteledipele ba buse ka kagiso le kutlwano tse lefatshe leno le thailweng ka tsone. Rre Morupisi yo e bileng e le mokwaledi wa khuduthamaga ya matona o kopile maloko a Eloyi go rapelela pula. Fa a tswa la gagwe mokhanselara wa Morupule, Rre Jordan Makhura o lebogile maloko a Eloyi ka tlotlo e kgolo e ba e fang Bishop Jakoba, a re go supa fa kereke ya bone e na le sekao le tebelopelo. A re maloko a rapedise baeteledipele gore ba etelele lefatshe leno ka tumelo. O ne a ba rotloetsa go tsamaya ba rera lefoko la Modimo mo go ba bangwe gore kagiso e lefatshe leno e tlhailweng ka lone e gole. O akgotse bomme ba baruti mo kerekeng e, a re ba tshware ka thata ba gogele batho mo kerekeng. Rre makhura o tlhalositse fa baruti ba tshwanelwa ke go tlotlwa ga mmogo le go tlhokomelwa, a tlatsa ka go re fa ba dira jalo ba tlaa segofala. A re baruti ba filwe neo ya go ka buisana le Modimo ba kopela maloko a bone dithapelo mme phuthego yone e tshwanetse go tlhokomela moeteledipele wa yone gore a kgone a ba kopele kwa Modimong. Bishop Jakoba ene o lebogetse dimpho tse di tswang ko malokong, mopalamente Rre Moiseraele Goya ga mmogo le Rre Morupisi. A re go lesego letsogo le le abang go na le le le amogelang. Bishop Jakoba a re se ke tlotlo e tona e botsadi bo tlotlileng Eloyi ka yone. A re o ne a sa solofela moletlo o o dirilweng ke maloko a kereke ya gagwe. A re o santse a le mo kgakgamalong e tona e e tletseng boitumelo. A re ga se la ntlha a fiwa mpho ke Rre Goya mme a setse a kile a amogela ditilo tse kereke ya gagwe e neng ya di amogela go tswa kwa go Rre Goya mme a leboga tlotlo le kemo-nokeng ya gagwe. BOKHUTLO politics 7 Masisi o rotloetsa mowa wa boipelego Mothusa Tautona, Rre Mokgweetsi Masisi,o rotloeditse banni ba Mmadinare go ipelega. Mothusa Tautona o buile se mo mogwantong o o neng o tshwerwekwa motseng oo go kokoanya madi go aga leobo la kgotla kwa Mmadinare. Rre Masisi o ne a gakolola banni go tsenya letsogo mo ditlhabololongtsa motse. O ne a gakolola badirelapuso go tlhabololadikgaolo tse ba direlang mo go tsone, a tlatsa ka go kopa morafe go tlotla kgosi le badiri ka ene goretlhompho le lerato di rene mo motseng. Rre Masisi o ne a kopa morafe go tsenya bana ba motse moditirelong tsa kago ya leobo, go leka go fokotsa ditshenyegelo le go tlhamelabanana mebereko le go nna le seabe mo ditlhabololong tsa motse. Fa a tswa la gagwe, tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, RreSlumber Tsogwane o ne a re kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa e bilemoroto wa esi ga o ele, seo e le kopo mo banning ba Mmadinare go dirisana. Tona o ne a tswelela ka go re mokgwa wa boithaopo ke mokgwa omontle ka puso e lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya madi mme o itumelela goremokgwa wa boipelego o aname le lefatshe la Botswana mme ke mowa o o tlhokanangle boineelo le lorato. Mookamedi wa moepo wa Tati Nickle, Rre Ditiro Lentswe, o ne are kago ya leobo e ikaegile ka mokgwa wa boipelego mme maikaelelo a bone ke go O ne a tlatsa ka go gwetlha morafe gore le one o thuse kasepe fela se ba se setseng gore maikaelelo a fitlhelelwe. O ne a kopa ba komitiya kgobokanyo madi go ikgologanya le makalana a a ikemetseng ka nosi le boradikgwebogore maduo a mantle a bonale ka ba na le bokgoni ja go thusa botlhe ba ba nangle botlhoki mme a leboga ba komiti ya kgobokanyo madi tiro e ntle e ba e dirileng. Modulasetilo wa komiti ya kgobokanyo madi Rre DitshupoNtwaagae a re ba bereka ka thata e le komiti go kgobokanya madi a a tlhokafalanggo aga leobo a a ka nnang di dikadike tse pedi mme o itumeletse thuso ya bamoepo wa BCL ka ba ba diretse moalo wa leobo le go ntsha thuso ya madi. Mopalamete wa Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila o ne a kopabanni ba Mmadinare go tshwara ka thata le go dirisanya mmogo go kokoanya madi ago aga leobo la motse wa bone. Mo mogwantong oo Mothusa Tautona o ne a ntsha thuso ya madia kana ka P5 000 fa tona Tsogwane a ne a ntsha P600, fa ba moepo wa Tati bantshitse P10 000 mme ba BCL ba ntshitse P27 000. economy_business_and_finance 3 Dialogane di rotloediwa go ja mofufutso wa phatla Dialogane tsa lenaneo la nyeletso lehuma di rotloeditswe go itshetsa ka mofufutso wa phatla ya bone gore ba akole maduo a dikgwebo tsa bone sentle. Se se builwe ke modulasetilo wa lephata la thuto le botsogo wa khansele ya Kgatleng, Rre Tona Mooketsi ka Labobedi kwa moletlong wa go alosa ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma ba le masome a supa le bongwe kwa Oodi. Rre Mooketsi a re kaloso ya dialogane e supa fa ba rata go itirela ka matsogo go itshetsa go na le go ikaega ka puso. O ne a tlhalosetsa dialogane gore ke bangwe ba ba lesego go bo ba filwe sebaka se ke puso ka se se supa gore puso e leka ka bojotlhe go nyeleletsa lehuma. Rre Mooketsi o ne a rotloetsa dialogane go ithuta go dirisa madi sentle le go boloka dikatso tse ba di ntshang mo dikgwebong tsa bone gore ba tle ba kgone go dirisa madi a bone mo isagong, a tlatsa ka go re ba ikakgolele ditiro tsa bone. Rre Mooketsi o supile fa go sena motho yo o tshotsweng ka lehuma ka Modimo a file botlhe dineo e bile a ba gakolola go di dirisa le go tsosolotsa dineo tse ba di filweng ke Modimo gore ba itshetse ka tsone. O rotloeditse dialogane go sala Setswana se se reng phokoje go tshela yo o dithetsenyane go itshetsa ka puso e ba simolodisetsa dikgwebo mme go tswa mo go bone gore ba dira jang ka dikgwebo gore di seka tsa phutlhama mme di gole. Fa a bua maikaelelo a letsatsi, mogokaganyi wa tsa nyeletso lehuma, Mme Khutsafalo Mogotsi a re moletlo o ke sesupo sa gore mananeo a puso a teng e bile a na le maduo a a nametsang ka goromente o ne a bona tshokolo ya Batswana ya lehuma. Mme Mogotsi o supile fa moletlo o o supa katlego ya dialogane le go fa bopaki jwa go nna pelotelele ka dialogane di ne di le pelotelele go itshokela phenyo le mororo go ne go se motlhofo go fitlha fa ba leng teng. Mme Mogotsi o rotloeditse dialogane go tswelela ka dikgwebo tsa bone le go di godisa ka mongwe le mongwe a tshela ka mohuhutso wa phatla ya gagwe mme a ba kopa gore ba tswelele jalo ba itshetsa ba sa ikaege ka puso. Mme Ntebaleng Shathani yo e leng mogwebi o rotloeditse dialogane go tshwara ka natla se ba ntseng ba se dira mme a ba rotloetsa gore ba seka ba nyatsa dikgwebo tsa bone ka di tlaa atlega fa ba ka tswelela ba bereka ka natla. Mme Shathani o supile fa kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho mme a ba kopa gore ba nne le pelo ya boineelo le bopelotelele. O kopile dialogane gore ba nne le mowa wa tirisanyo mmogo gore ba kgone go arogana maele. A re ka jaanong e le bagwebi ba seka ba ipona tsapa go tsenelela ditshupo ka se se ka tiisa dikgwebo tsa bone le go ithuta mo go ba bangwe ba ba setseng ba na le botsipa. Mongwe wa dialogane yo o anyileng lenaneo la nyeletso lehuma, Mme Keorapetse Setofole o supile fa a rolela lenaneo le hutse ka le mo thusitse go nyeletsa lehuma la nta e tshetlha, supa fa jaanong a kgona go itshetsa le ba lelwapa la gagwe ka dikatso tse a di bonang. Mme Setofole o rotloeditse dialogane ka ene go itirela khumo ka diatla tsa bone, a tlatsa ka go re o eletsa go bona mongwe le mongwe wa bone a humile e bile ba kgona go ruta ba ba tlang kwa tlase maele a kgwebo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Mapodisi a ntshitse setopo mo Thamalakane Mapodisi a Maun a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone serepa sa mme mongwe yo o dingwaga di masome mararo le boraro se ntshitsweng mo nokeng ya Thamalakane ka Tshipi mo mosong. Mothusa mookamedi wa mapodisi a Maun, Superintendent Boreseletse Papane o boletse fa moswi a tlholega mo kgotleng ya Meno kwa Maun. A re mme yoo o ne a bolelela ba lelwapa la gagwe gore ga a ikutlwe sentle e bile o a sha ka nako ya bone mo mosong, mme a tswela kwa ntle, ba lelwapa ba seka ba ela tlhoko gore go ka tswa go diragala eng mme ya re phakela ba mo tsaya ka motlhala. A re ba ne ba tsamaya go fitlhelela kwa nokeng ya Thamalakane kwa ba fitlhetseng diaparo tse a neng a di apere di beilwe fa thoko ga noka mme ba begela mapodisi. O tlhalositse fa go sa ntse go le thata go ka bolela gore go ka tswa go diragetse eng fa mme yoo a tsena kwa nokeng ka jaana le bone ba sa ntse ba le mo ditlhotlhomisong. Maina a moswi a santse a lobilwe go fitlhelela ba masika ba itsisiwe. Mo dikgannyeng tse dingwe, Superintendent Papane o ne abolela fa ba le mo patlong ya rre mongwe yo go belaelwang a intshitse sebeteledi mme a lalela bomme ba ba tshaisang bosigo. A re selalome seo se kgama batho se ba tswa kwa morago mme se itseele dikobo ka dikgoka le tsotlhe tse ba di tshotseng. A re bomme ba feta bobedi ba setse ba amilwe ke tiragalo eo, a tlatsa ka gore wa ntlha ke mme yo o dingwaga di masome mabedi le borobabobedi wa kgotla ya Shashe. O tlhalosiste fa mme yoo a ne a tshaisa ka nako ya boferabobedi bosigo mme ya re a re o tsena golo gongwe kwa a tlogelang ngwana teng a utlwa motho a mo tshwara kwa morago mme a itseela dikobo ka dikgoka, a ba a mo tseela le dilwana tse a neng a di rekile tsa P170. O tlhalositse fa mo tiragalong e nngwe mme wa dingwaga tse di masome mabedi le bongwe wa kgotla ya Bombadi le ene a ne betelelwa a bo a tseelwa P70 le mogala wa lotheka pele ga seganka se le botsa phokoje. crime_law_and_justice 1 Ba Goo Masoko ba dumalana ka kgosana Banni ba Sorilatholo ba kgotlana ya Goo Masoko ba dumalane ka leina la yo o tla nnang kgosana ya bone. Ba supile seo kwa phuthegong ya kgotlana eo e buisiwa ke kgosi ya Letlhakeng, Rre Itsoseng Gaoonwe bosheng. Kgosi Gaoonwe, yo gape e leng leloko la ntlo ya dikgosi, o ne a kopa banni go rurifatsa fa leina le ba le mo neetseng la kgotlana ya Goo Masoko ele lone.O ne gape a kopa gore Rre Basinyi Diphera a tlhomamise gore a o amogela thomo ya gore e nne kgosana ya kgotla eo. Kgosi Gaoonwe one a tlhalosetsa banni bao fa go tla tla go tlhongwa kgosana eo semmuso mo bogaufing.Fa a latlhela la gagwe Rre Basinyi Diphera o ne a supa fa a amogela thomo ya gore e nne ene kgosana ya kgotlana eo.Mongwe wa banni ba motse oo Mme Theroyame Keokang one a supa fa ba dumalanye ka bongwe jwa pelo gore Rre Diphera e tla nna Kgosana ya bone. Rre Sekwawela Diphera ene o ne a supa fa ba dumalanye ka bongwefela jwa pelo ka leina le le ntshitsweng go nna kgosana ya bone.Kgosi ya Khudumelapye Rre Edwin Ramokobetwane o ne a supa fa a itumeletse gobo banni ba Sorilatholo ba dumalanye go sena dikgogakgogano gore Rre Basinyi Diphera e nne kgosana ya bone. O ne a kgotlhatsa kgosana eo gore a dire le batho ka tlotlo,lorato.O ne a tlhalosa fa kgosana e tshwanetse ya tsaya batho ka tekatekanyo fa e ba thusa.One gape a supa fa kgosana tshwanetse go dirisana le dikomiti le batho ba a tlaa bong a ba thusa.Kgosi Ramokobetwane one a gakolola banni ba Sorilatholo go dirisana le kgosana ya bone. Mo mafokong a gagwe a malebo Kgosi ya Sorilatholo Rre Olebetse Phemelo o ne a supa a itumelela go bo go tserwe leina la kgosana eo.O ne a kopa gore ba okelediwe palo ya dikgosana tsa tetlanyo.Kgosi Phemelo o ne gape a kopa gore ba agelwe maobo a dikgotla kwa Sorilatholo. society 9 Morafe wa Hatsalatladi o itumelela neelano Banni ba Hatsalatladi mo kgaolong ya Kweneng ba supile boitumelo go bo neelano ya setilo sa bogosi jwa motse oo e tsamaya ka thelelo. Ba buile jalo ka Labobedi jaaka Kgosi Kgari Sechele III wa Bakwena a ne a ba lekodisa fa nako e gorogile ya gore Kgosi Ponatshego Gabanamotse a neele mogolowe Saki Gabanamotse setilo. Kgosi Kgari III o ne a tlhalosa gore o tlaa itsese tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae gore lebaka le le neng le dumelanwe le gorogile, mme jaanong bogosi bo tshwanetse jwa boela mong wa jone. Go tlhalositswe fa Kgosi Ponatshego a ne a tshwarelela Rre Saki yo e leng morutabana, morago ga gore Kgosi Setseeng Gabanamotse a tlhokafale ngwaga tse tlhano tse di fetileng. Go bile ga tlhalosiwa fa mo nakong eno, Saki a ne a tshwanetse go ya go berekela go sele, mme a tsere tshwetso ya go ya go nna kwa gae go tsaya setilo gammogo le go nna le ba lelwapa la gagwe. Banni ba ne ba amogela mafoko ao ka tsoo-pedi, ba kaya fa seo se supa gore ba gatetse pele e le motse, ba bile ba leboga sebaka se Kgosi Ponatshego a ba busitseng ka sone, ba supa fa go ise go nne le matshwenyego ape ka nako ya gagwe. Rre Mosarwa Mopaseoka o ne a re go botlhokwa gore neelano eo e nne e ba tlaa e salang morago e le morafe. Rre Otlaadisa Kebabone ene o ne a kopa Kgosi Kgari III gore Saki a isiwe dithutong, a ye go rutwa ka tsamiso ya bogosi, a supa fa gantsi dikgosi di bewa, mme di tlhaela kitso nngwe ka tsamaiso ya bogosi. A re seo gantsi se baya motse ka fa mosing. E rile fa a tsibogela kgang eo, Kgosi Kgari III a tlhalosa fa gangwe le gape e re kgosi e bewa a bo e tsisediwa kgosi yo mongwe go tla go mo tlhatlhelela ka tsamiso ya bogosi. O ne a tlhalosa fa ba lephata la Tribal ba a tle ba rulaganye dithuto tse di kopanyang dikgosi tse disha go rutwa ka tiro ya bogosi le ditsamaiso tsa teng. Fa a afa mafoko a malebo, mokhanselara wa Hatsalatladi Rre Kolana Kolana o ne a tlhalosa fa neelano eo e tsala gore tsamaiso ya motse wa bone e sogofadiwe, a kaya fa gape e supa tshwaragano fa gare ga morafe. O bile a rotloetsa morafe le bogogi gore tsotlhe tse ba di dirang ba di dire ba beile Modimo kwa pele. A re seo se ka thusa gore motse wa bone o itsewe ka tsamaiso e e siameng. society 9 Baithuti ba rotloeditswe go ithuta temo-thuo Baithuti ba sekole se segolwane sa Mathiba kwa Kanye ba kgothaditswe go ithuta ka tsa temo-thuo ka botswapelo ka gore ke tsone tse di ka ba thusang mo isagong go ntsha dijo tse dintsi le go dira mebereko mo lefatsheng la Botswana. Puo e, e ne e tla ka molemi morui yo o tumileng thata kwa Kanye e bile ele mokhanselara wa Ntsweng Bophirima, Rre Patrick Ralotsia, kwa kabong dimpho ya sekole seo ka bofelo jwa beke. Rre Ralotsia o ne a abela moithuti yo o pasitseng thata ngogola, Rre Thabiso Mokweetsi, kgomo e namagadi, e le nngwe tsela ya go rotloetsa baithuti go tsena mo temong. Thabiso o ne a gaisitse botlhe ka go tsaya maemo a ntlha mo dithutong tsa gagwe mme a amogelwa kwa sekoleng se segolwane sa Seepapitso. Rre Ralotsia o boletse fa Batswana e le batho ba temo thuo, mo puso e lekang thata go ba thusa ka mananeo ao gore ba ijese le bo morwaraabone. O rotloeditse baithuti go tsena thata mo dithutong tsa mohama wa temo, ba ithutele boranyane jwa dijo, go rua leruo le go itse ka tse tsotlhe tsa tlhokomelo ya leruo, go lwantsha diji, le gone go lema ga segompieno. O rotloeditse batsadi ba bana go nna le seabe mo thutong ya bana ba bone, ba ba lemotshe ka botlhokwa jwa thuto. Le fa go ntse jalo, mogokgo wa sekole sa Mathiba, Rre Monametsi Sanako, o lebogetse mpho ya kgomo e e filweng Thabiso, a bolela fa go tla tiisa baithuti moko gore ba dire thata mo dithutong tsa bone, mme a kopa batsadi ba bangwe go tsaya malebela. Rre Sanako o boletse fa meletlo ya bone ya kabo dimpho e na le makgwere a mantsi ka letlhoko la madi, a bolela fa meletlo ya mofuta o e le botlhokwa thata ka e rotloetsa baithuti go tlhoafala thata mo dithutong. O boletse fa sekole sa gagwe ngwaga o o fetileng se ne sa iteka thata. O rotloeditse batsadi le barutabana go bereka ka bongwefela jwa pelo go tlhakanela thuto ya bana. Mogokgo o boletse fa moono wa letsatsi leo e ne e le, ‘Every child must succeed’, kana ngwana mongwe le mongwe o tshwanetse go atlega. education 4 Ba Gweta ba rolela Majaga matshwenyego Banni ba Gweta mo kgaolong potlana ya Tutume ga ba itumelele ditirelo tse di tlhaelang tse ba reng ba tshwanetse go di tsaya mo ofising ya service centre le ya Water Utilities mo Nata mme jaanong ba tlamege go ya Tutume kana Sowa. Ba roletse mopalamante wa Nata-Gweta, Rre Polson Majaga matshwenyego a mo bokopanong jo a neng a bo rulaganyeditse go buisana le magosi le dikomiti tsa motse ka Laboraro. Maikaelelo a bokopano jo go ya ka mopalamente e ne e le go kopana le boeteledipele jwa motse go utlwa ka dikgang tse di ba tshwenyang le gore ene le makhanselara o ka ba thusa jang gore ba di kopanele. A re se e ne e le go fa baeteledipele sebaka sa go bolela sentle matshwenyego a ba kopanang le one mo motseng ka dikomiti di farologane ka maphata a go tlhabolola motse mme morago a kgone go busetsa komiti nngwe le nngwe phetolo e e maleba. Fa a amogela mopalamente, Kgosi Maditsa Maditsa wa kgotla yoo Maditsa o ne a leboga mopalamente go bo a bone go tshwanela gore a tle a nne le puisano le morafe ka tse di ba amang. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Ledule Baraki fene a re go supega fa moeteledi pele wa service centre a sale a fudusitswe mme a bo a sa emisediwe. A re gape ba tshela ka letshogo la tsela ka metsi a setse a le mantsi kwa tlase ga lefatshe mme tsela ya dikoloi e ise e simololwe go tokafadiwa pula e ise e oketsege. O supa fa ba ne ba dira mosele wa metsi go leka go laola metsi gore a seka a tsena mo motseng mme mosele oo, o ne wa fitisetsa metsi kwa masimong mangwe ka jalo ba tlaa o bankanya. Bontsi jwa baeteledipele le magosi a motse ba ne ba supa fa ditirelo tsa Water Utilities Corporation e se tse di nametsang gotlhelele. Bangwe ba ne ba lela ka tlhaelo ya boroko jwa badirelapuso le dipalamo tsa puso go tsweledisa ditrelo mo setshabeng. Ba ba ikaegileng ka temo-tuo ba ne ba supa fa ba senyegetswe fela thata morago ga pula ya Dineo mme ka nako eno go sena phimolo keledi e ba e boneng jaaka dikgaolo tse dingwe. Ba ne ba wela ka go supa fa ba le mo Green zone ka lebaka la ditlou tse di mmalwa tse ba reng di tla felela di diga terata e e kganelang dinare mme di fetise tlhako le molomo mo kgaolong ya bone. Fa ba garela, dikgosi tsa tetlanyo tse lesome le bobedi tsa motse, ba ne ba ikopela go atswiwa ka ba tshwere moruthuta wa tiro ya go aga motse mme ba tlhoka fela yone thothoetso ya dikatso. Fa a ba araba, mopalamente Majaga o ne a supa fa a lemoga mathata a bone a ditiro tsa motse tse di neelwang banni ba metsi e tlhabologileng mme maikaelelo a ditiro tseo e le go tlhabolola banni ba kwa tiro eo e ileng teng, ka jalo o tlaa dira gore selo seo se seka sa diragala gape ka tsela epe. Mopalamente a re maphata a mangwe a batla go tsisa ditirelo mo kgaolong ya botlhopi ya Nata-Gweta mme ka lebaka la go tlhoka diofisi ba felela ba ya kwa dikgaolong tse di nang le diofisi, ka jalo o rotloetsa batho go aga diofisi le matlo a boroko mme morago ba di hirisetse puso gore ditlamelo di goroge kwa go bone. O ne a supa fa Nata a abetswe setsha sa go aga khansele mme e tlaare ngwaga o o tlang a tsee P8million mo go P10million wa kgaolo ya botlhophi ya Nata-Gweta go aga dikago tse fa dithuso tse dingwe a tla di kopa kwa go maleba. A re mo bosheng ba ne ba bolaya dinare tse pedi le bana ba tsone tse di neng di le mo green zone mme o rotloetsa batho go tshwara ka natla gore seemo se se nne fela jaalo ka go disa melolwane ka dikomiti tsa motia gore dinare di seka tsa fetisa malwetse mo leruong. A re go na le komiti ya Nata-Gweta Beef Block Association e e leng gore dikomiti di tshwanetse go itshwaraganya le yone go netefatsa gore thuo e tswa maduo. Mopalamente o ne a tlhalosa fa morago ga go lemoga letlhoko la ntlwana ya boitiketso kwa posong, a supa fa makhanselera a ithaopile le bangwe gore o tlaa aga ntlwana teng. O weditse ka go solofetsa fa dikgang tse a sa kgonang go di araba, a tla di isa kwa maphateng a a maleba mme o tlaa busa dikarabo. Mopalamente o ne a kgothatsa badirela puso go isa ditirelo kwa setshabeng ka nako tsotlhe le go dirisana mo tirong gore ba kgone go thusa setshaba sentle. politics 7 Makhanselara ba ngongorega ka mafuti a matlakala Makhanselara a kgaolo potlana ya Boteti a ngongorega ka mafuti a matlakala a ba reng ga a a ipiwa golo mo go dirang gore matlakala a gasagasiwe ke phefo ka jaana go sa epiwa . Ba ntshitse ngongorego e ya bone ko phuthegong ya dipuisano tsa khansele ya Boteti bosheng kwa Letlhakane,ba tlhalosa fa seemo sa mafuti a matlakala mo dikgaolong tsa bone se sa jese di welang,ba kopa gore go dirwe sengwe ka kgang e ka bonako. Mokhanselara Xere Rre Aron Angliton o supile fa lefuti la matlakala la Rakops le le mo seemong se semaswe ka jaana ebile dikoloi tse di gopang maswe mo matlwaneng a boitiketso le tsone di tshela maswe mo go lone,atlatsa ka gore o ipotsa gore a khansele e itse ka seo.o ne gape a re lenaneo la go teratela masimo a Xere ga lena tema ka lebaka la gore ditlou di kgaola terata fa e sena go dirwa. Mokhanserala wa Mokobaxane/Kedia Rre Orapeleng Dikgang ene a re lefuti la matlakala le le gologolo la Mokobaxane le katelwe ,ka jaana dirukuthi di iphitlha mo go lone le batho ba iphitlhela ba bangwe kwa go lone.o bile a re polase ya motse wa Kedia e na le dingwaga enetse e dirwa a botsang gore e ya go wela leng. Makhanselara bane gape ba ngongorega ka go diega ga mananeo a a dirwang ka ipelegeng ,mo bareng gantse go bakiwa ke letlhoko la metsi,go phuagangwa ga ditiro di sa wela ,tlhaelo ya dikoloi go tsisa didirisiwa ,ba botsa go ya go dirwa jang, ka tlhaela ya dikoloi tsa ipelegeng ka seemo sa teng se kgoreletsa mananeo go tswelela. Mokhanselara wa Xhumo/Mmakola Rre Elijah Motsamai o ne a supa letshwenyego la go tlhoka go wediwa ga leobo la kgotla le areng borulelo ja lone ga bo a kokotela ,mo bo kana ba tsewa ke phefo. Mokhanselara wa Makalamabedi /Motopi rre Onkhuparetse Monnaatsie o ne a kopa go tlhalose gore lenaneo la go kgaola ditlhare ka fa thoko ga tsela kwa Makalamabedi le emisiditswe le gore le ya go tswelela leng O ne gape a re Moloko a komiti ya motse( VDC )ga ba hapanele tiro Ipelegeng le bangwe bone ba berelela ruri fela ,a botsa gore a ke tsamaiso. Mokhanselara wa Khumaga/Moreomaoto Rre Thomas Khethenyane a re lenaneo la Ipelegeng le bekwa ke banana,bagolo,ka jalo a re palo e ba e filweng ya masome a a ferang bongwe le bone (94) ga e lekane a kopa gore e okediwe.Makhanselara bane ba galaletsa lenaneo la Ipelegeng bare le thusa Batswana fela thata. Mothusa Mokwaledi wa Khansele ya kgaolo potlana ya Boteti Rre Christopher Maramba o ne a ba tlhalosetsa gore mananeo a a dirwang ka Ipelegeng ba hira motho a le mongwe yo onang le kitso ya tiro ee dirwang ,a bo a bereka ka batho ba Ipelegeng. Rre Maramba o boletse fa matshwenyego a ba kopang le o ne mo lenanaeo la ipelegeng ele tlhaela ya metsi ,borradikonteraka ba ba phuaganyang tiro e sa fela,babereki ba ipelegeng baba sa tseyeng tiro ka tlhawafalo, tlatsa ka gore ba tsibogela dikgwetlo tse gore mananeo a wele. O tlhalositse gore maphata a mangwe a thusa Ipelegeng ka dikoloi a re ga gona madi a a ka rekelang ipelegeng dikoloi,ba a dima koloi ee gelela metsi kwa lephateng la ditsela go tshela mo dijojo tse di beilwe ko ditirong.mo mananeong aa phuagantsweng ba hira konteraka tse dingwe gore di wetse tiro Rre Maramba a re kgangnyeng ya go oketswa ga dipala tsa babereki ba ipelegeng, go ntshiwa dipalo ka palo ya batho ba motse,a re makhanselara baka e ntsha e le mogopolo.o bile a re seemo sa mafuti a matlakala ke letshwenyego le letona la bone,atlatsa ka gore bane ba ikaeletse go reka mochine ,ga ba kgona ka lebaka la tlhaelo ya madi. environment 5 Banana bangwe ba Maralaleng ba itirile maarogi Bogogi jwa Maralaleng kwa kgaolong ya Kgalagadi bo ne bo tshwere phuthego kwa kgotleng ya motse oo bosheng go leka go tswa ka maano a ka fa ba ka dirang ka teng go bontsha banana bangwe ba motse oo bomosola jwa go tsena diphuthego tsa kgotla ka ba ipeile moriti o tsididi mabapi le seo . Kgosi David Megano o na a kgala mogopolo wa banana ba motse oo a re ga ba tsene diphuthego tsa motse. A re banana bao ga ba inaakanye le ditsamaiso tsa motse le fa ele go elana le maikutlo a morafe. O boletse fa ba intshitse maarogi ebile ba tlhakatlhakanya motse wa gagwe. O kaile fa ba nna ba na le dingongorego, ba le kgatlanong le merero le se se dumalanweng ke morafe ka dinako tsa bokopano. O ne a supa fa ba ntsha dingongorego tsa bone mo diphuthegong tsa bagolwane jaaka mokhanselara le mopalamente ele gone ba supang fa sa kgotsofaleleng ditumalano tseo lebaka e le gore fa bane ba le teng go ne go bo go sekasekilwe ngongorego eo. A re selo seo ke go dira jaaka o kare ba aba tlontlolola ebile ba palelwa ke tiro le ntswa ba leka ka bojotlhe go sa leseletse diemo tse di mo motseng. O ne a tswelela ka gore mo go paledisa bogogi jwa motse tharabololo ya dikgwetlho tse di mo motsing le go dira ka tshosologo le bone. A re banana bao ba itiya le gone go tsaya mananeo a puso kana dikarolo mo bodiragatsing mo go ka ba thusang isago. Kgosi Megano o ne a akgola komiti ya ditlhabololo a re e ne ya agela banni ba ba kobo dikhutshwane matlo a mabedi le gore mo nakong eno ba tsweletse ka go aga matlo a a ka thusang badirela puso ka maroko ntleng ga thuso epea tlhalosa fa ba rata go ielega. A re kwa ntleng ga moo ba ne ba abela ba ba tshelang ka mogare ebile ba ikamogetse madi a a kanang ka P1600.00 go tsosolosa kgwebo ya bone ya semausu. One a tladiwa ke rre Bantlhotse Jampe yo e leng modula setilo wa komiti ya ditlhabololo ka gore banana bao ba setse ba intshitse digongwana tse di dirang borukutlhi jaaka go tsosa dintwa magareng ga bone ba dirisa dithipa le mabotlole go utlwisanya botlhoko. A bolela gape fa ba tshwenya banana le bagolo ba ba inaakantseng le mananeo a puso ka go ba tseela loruo. A re kwa ntleng ga moo ga ba sa tlhole baa fa bagolo tlotla ka ba nwa bojalo le gone go tlhapatsa mo pele ga matlho a bone mme ebile ba dira tiro e le bagolo bangwe ba motse oo. O tlhalositse fa mokgwa o o tswelela pele le ba ntse ba lwa ntwa e kgolo ya go emisa tiro e. Mme Ellen Osenoleng yo a leng mmaya madi wa komiti ya ditlhabololo o ne a gatelela seo ka gore batsadi ba bana bao ba nna kgatlhanong leditshwetso tsa bagogi tse di tsewang go lebilwe diphoso kana ditshenyo tse di ba di bakang mme moo go ba tsenye mowa wa go ingaola le go gogela thoko. Rre Nelson Dipheko yo o eleng kgosana ya kgotlana ya Boiteko o ne a gatelela mafoko a ga mme Osenoleng ka gore batsadi ba bipa mekgwa le ditiro tsa bana ba bone le ntswa e le bone ba ka tswang ka boammaaruri go fedisa ditiro tse di fatlhang tseo. Ene ya re go latlhela tlhware logonnyana mothusa modula setilo wa komiti ya ditlhabololo Rre Lucas Lorekang a re borukutli jo bo etelediwa pele ke megala ya lotheka ka e tlhoufatsa puisano magareng ga babelaelwa le tsone digongwana tse go thusanya ka megopolo ya go fenya go tshwarwa ka molato.A re o gakolola bodirela puso go ela tlhoko seo fa ba le mo ditlhotlhomisong. E rile fa a ntsha la gagwe mme Pateletso Dikole a re go leka go fedisa seo ba tla dira dikomiti tsa banana ka dikgotlana tsa bone gore ba ntshe dingongorego tsa bone mme di tlisiwe mo bagolwaneng go tla go sekwasekwa le go arabiwa go lebilwe le one molao motheo wa lefatshe leno. A re gongwe mo go ka dira gore banana bao ba bue ka phuthologo ba sa fitlhe sepe le balekane ba bone. A bolela fa ba sekake ba lapa dipelo go rarabolola kgang ya moruthuta e e ka felelang e senya le lone leina la motse mo setshaabeng. Kgosana ya kgotlana ya Boikhutso rre Fali Gabankalafe e ne o ne are banana ba tsaya mekgwa e e sa siamang mo go ba bangwe ka jalo go ne go ka siama fa katlholo ya banni e ka farologana le batho ba ba tswang kwa ntle ga motse are moo go ka ba itsa go siana le lefatshe ba rutana maretshwa a go dira borukhutlhi. E ne ya re gole pele modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo a bolela fa ba kopa thusa mo pusong ka go aga lefelo la itloso bodutu mo motsing a re mo go ka tsaya nako e ntsi ya banana mme go ba itse go tsenya matshelo a bone mo diphatseng. Erile go garela kgang ya bone ba ya ka mogopolo o mongwe fela wa gore ba tla kwalela banana bao dikwalo fa go nale le diphuthego tsa kgotla go tla go leka go botsolosa le go tswa ka megopolo ya go thusanya le go fedisa mekgwa eo le go kopa kemo nokeng ya puso e e tseneletse. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Kgosi o tlhalosa kgaoganyo boswa Kgosi Maforaga a re dilo dio fetogile, ka jalo ngwana wa gofejane ga a sa tlhole a abelwa lelwapa la bonno le tshimo. O kaile fa boswa jwa segompieno bo kgaoganngwa ka go lekana. “Boswa bo tshwanetse jwa kgaoganngwa kwa lwapeng ke batsadi ba ba setseng le bana, fa bo pala bo ka tsena ka dikgotlana go fitlhela kgang e tsena kwa kgotleng e tona,” ga bolela Kgosi Maforaga. O tlhalositse gore go ya ka tsamaiso ya Setswana, ngwana wa bofelo o tshwanetse go tsaya go le go golwane, mme mo nakong tsa gompieno go le gantsi o fitlhela bana ba bannye ba na le ditsompelo go feta bomogolowabone. Ka jalo, Kgosi a re ba tshwanetse go fiwa ka tekatekano le fa go se motlhofo, fa e se fela mo dithotong tse di akaretsang madi le leruo ka tsone di balega. Kgosi Maforaga a re le fa go ntse jalo, go na le bana ba e reng ba filwe ditsha tsa batsadi gore ba nne mo go tsone, ba felele ba di rekisetsa batho ba sele. O kgadile lesika le le akerediwang mo go kgaoganyeng bana dithoto, mme e re morago ba batle gore le bone ba nne le seabe jaaka borangwane le bomalome. Mo go tse dingwe, Kgosi o rotloeditse morafe go dirisa dikgotlana tsa tetlanyo pele ga ba fetela kwa kgotleng e tona, go hema mosuke. “Ke kopa morafe ka kakaretso go tsaya dikgosi tsa dikgotlana tseo ka tlhwaafalo ka ba tlhophilwe go lebilwe bokgoni ja bone,” Kgosi a gakolola. O tladitse ka gore pele ga kgang e fetela kwa kgotleng e tona, e tshwanetse go bopiwa, e na le motlhala go tswa kwa dikgotlaneng. society 9 Siele a re Batswana ba lesego Batswana ba lesego go bo ba nale Tautona yo o kgonang go nna fa fatshe le bone a reetsa dilelo le dikeletso tsa bone. Se, se buile ke Rre Peter Siele, mopalamente wa kgaolo ya Ngwaketse Borwa, fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Mokgomane, Magoriapitse le Molapowabojang bosheng. A re se Tautona a se dirang, ele motsadi wa setshaba se melediwa mathe ke batho ba ditshaba di sele. O ne a mo eleletsa masego le matlhogonolo gore tiye mo tirong e ntle e a e direlang lefatshe leno. Rre Siele, yo gape eleng Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, o akgoletse Tautona go bo a tsamaya mo dikgotleng a abela dikereke dibaebele go thusa Batswana go ithuta lefoko la Modimo, a tlhalosa fa poifo Modimo ele tshimologo ya botlhale. Mo go tse dingwe, mopalamente Rre Siele o ne a lebogela batlhophi ba kgaolo ya Ngwaketse Borwa sebaka se ba se mo fileng go ba emela kwa palamenteng. Rre Siele, yo o tlaabong a sa emela ditlhopho tsa setshaba monongwaga, o tlhalositse fa sebaka se ba neng ba se mo fa gabedi ka tatelano go tloga ka ngwaga wa 2004, se se bileng sa mo fa sebaka se sengwe sa go emela dikeletso tsa Batswana botlhe jaanong ele tona, o se lebogela thata go menagane, a tlatsa ka gore ke thomo e a kabong a sa e bona fa e kabo ese ka tlhopho ya bone. Ends society 9 Dipaakanyo di tsweletse Komiti e e baakanyetsang ditshupo tsa metse e e le lesome le bongwe ya kgaolo ya Bobonong e tsweletse ka go baakanyetsa moletlo oo. Maloko a supile fa ba bone sebui sa tlotla mme ba tsweletse ka go batla ba ba tlaa natifisang letsatsi leo la ditshupo tse di akaretsang dikhwaere, mmino wa setso, borankana le tse dingwe. Bangwe ba komiti ya metse e e kwa ntle ga Bobonong e e lesome e e akaretsang Mothabaneng, Semolale le e mengwe ba ntshitse matshwanyego a bone mabapi le go sa tseneng bokopano jwa paakanyetso ditshupo e leng dikgosi, dikgosana le baduladitilo tsa VDC tsotlhe tsa Bobonong mme ba le teng kwa dikgotleng tsa bone. Kgosi Mmadema wa Semolale le kgosi ya Motlhabaneng ba ne ba supa kgwetlho ya go sa tsena paakanyetso eo e le dikgosi, dikgosana le VDC tsa Bobonong, ba re potso ke gore ba amogelwa ke mang ba le mo kgotleng ya Bobonong beng ba yone ba seyo. Modulasetilo wa komiti ya ditshupo Rre Monthusi Dikgang o ba kopile go tswelela ka ipaakanyetso tshupo ka ba siilwe ke nako, mme o tlaa tswelela a bua le dikgosi go supa fa go le botlhokwa go nna teng mo paakanyetsong ditshupo. Rre Dikgang o ne a ikgolaganya le Kgosi Malema ka dikgosi tse di sa tseneng paakanyetso eo, a re Kgosi Malema o supa fa a tshwerwe ke ditiro tse dingwe, mme o tlaa leka go ba bitsa go bua le bone. ENDS politics 7 Go tlola molelwane go baya baithuti ka fa mosing Mogolwane wa thuto kwa kgaolong ya Kgalagadi, Mme Maipelo Kesenye, a re ga ba robadiwe ke baithuti ba ba santseng ba tlola molelwane kwa go sa tshwanelang teng. Bontsi bo a bo bo tswa Aferika Borwa, mme mo nakong e, ba siilwe ke dithuto ka jaana ba ne ba tshwanelwa ke go tsenngwa mo kwarantining. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Kesenye a re sebaka se se ntsi sa dithuto se ne sa tsamaya ka nako ya fa go emisitswe mesepele ka ntata ya segajaja sa COVID-19. A re batsadi ba ba tlodisang bana melelwane ka bokukuntshwane, ba baya bana ba bone ka fa mosing. Mme Kesenye a re bana ba le masome a mabedi le bone ba mo kwarantining morago ga go amana le batho ba ba tswang kwa Aferika Borwa. Mogolwane wa thuto a re dipalo di supa fa bana ba ba mo serubing ba le lesome le bone. Ba, ke ba ba tlodileng molelwane e se ka fa molaong A re ba le lesome ba laetswe gore ba itlhaole morago ga go amana le bangwe ba ba neng ba tlodile molelwane go se ka fa molaong. Mme Kesenye a re ka jaana kwarantini e sa tsenwe, baithuti ga ba neelwa sepe sa dithuto. A re lephata le tlaa dira gotlhe go bona gore bana bao ba a thusiwa fa ba tswa koo gore ba seka ba latlhegelwa ke dithuto. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa mapodisi a Werda, Superitendant Mompoloki Ramatsia, a re bangwe ba bana bao, ba tlodile terata ya molelwane kwa Draaihoek, Makopong le Werda ka dinako tse di farologanyeng fa dikolo di bulwa. Seo se lemogilwe morago ga gore ba tle kwa sekoleng malatsi nyana morago ga gore dikolo di bulwe. A re bana bao ba lemogilwe morago ga gore barutabana ba ba botsolotse mme bangwe ba tlhalosa fa ba ne ba latetse batsadi ba bone ba ba berekang kwa dipolaseng tsa Aferika Borwa. Supt Ramatsia a re barutabana ba ba roletse bana bao mme morago mapodisi ba ba tsaya ba ba isa kwa go ba batsogo ba ba fetileng ba ba tsenya mo kwarantining kwa Tsabong. A re ngwana yo monnye ke wa dingwaga tse thataro fa yo motona a le dingwaga tse di lesome le bone. A re bangwe ba batsadi ba bana bao ba na le bone kwa kwarantining fa ba bangwe go tlhokilwe go bona batsadi ba bone ka ba ba tlodisitse fela mme bone ba bo ba sala kwa Aferika Borwa. Supt Ramatsia o tlhalositse gore bana ba bangwe ba padile padi-padi go tswa ka nnete ya gore ba ne ba le kae lentswa bosupi bo papametse gore ba tlodile terata ya molelwane. A re seo se a tshwenya ka gore go supega gore bana bao ba bofitlha mme seo se le botlhabetsi mo botsogong jwa lefatshe. A re borai jwa go gana go bua nnete ga bana bangwe go ka tsenya botsogo mo diphatseng ka jalo go le botlhokwa go bua nnete gore matshelo a batho a bolokiwe. Supt Ramatsia o gakolotse batsadi gore ba seka ba fitlha gore ngwana ope fela o kile a tlolela ka kwa Aferika Borwa go se ka fa molaong. O gakolotse gore go tlhoka go obamela melao ya COVID-19 go ka tsenya lefatshe mo mathateng, ka jalo go botlhokwa gore ka nako tsotlhe melao eo e salwe morago. health 6 Polao ga e fedise mathata Banna ba kopilwe go lesa go bolaya basadi fa ba na le mathata kana tlhoka kutlwisisano le bone ka se, e se tharabololo fa e se go tlogelela ba ba setseng kutlobotlhoko le matlhotlhapelo fela. Mookamela mapodisi a Tsabong, Superintendent Howard Modo, o boletse se mo potsolotsong morago ga gore monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bone a bolae mokapelo wa gagwe ka go mo tlhaba ka sengwe se se bogale, o tlhalositse fa mmelaelwa yoo a ne a tlhasela mme yo ka go mo tlhaba ka sengwe se se bogale mo mmeleng kwa marekisetsong mangwe a bojalwa kwa Kisa. Rre Modo o supile fa ka nako ya tiragalo eo mme yoo a ne a sa ntse a le mo tirong mo madirelong ao. Superintendent Modo o kaile fa mmelaelwa a tlhabile mosadi yoo ka sengwe se se bogale makgetho a le mmalwa mo mmeleng mme morago a mo gogela kwa ntle ga madirelo ao. Rre Modo o tsweletse a tlhalosa fa e ne ya re morago ga tiragalo eo mme yoo a ne a isiwa kwa sepateleng sa Tsabong kwa ba bongaka ba tlhomamisitseng fa a setse a tlhokafetse. Superintendent Modo o boletse fa serepa se sa ntse se le kwa setsidifatsing sa sepatela sa Tsabong mme se tlaa romelwa kwa sepateleng sa Marina kwa Gaborone go ya go tlhatlhobiwa ke ba bongaka mo bogautshwaneng. Mookamela mapodise a Tsabong o tlhomamisitse fa moswi a tlholega kwa kgotleng ya Kagiso kwa Kokotsha mme e ne e le morekisi mo marekisetsong a bojalwa kwa Kisa. Rre Modo o supile fa modira molato yoo a isitswe fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata mme a tlaa bo a santse a le mo diatleng tsa mapodise fa ditlhotlhomiso tsone di sa ntse di tsweletse. Superintendent Modo o kaile fa bobedi joo go belaesega fa e ne e le baratani mme go lebega ba ne ba ka tswa ba tlhokile kutlwisisano go le pele ka mmelaelwa go supagetse fa a ne a tla a na le maikaelelo. Mookamela mapodise a Tsabong o kopile a bo a gakolola borre go amogela, go itshoka le gone go nna le boitshwaro fa lerato le fedile ka e se phelelo ya botshelo. O ba kgothaditse go kopa dithuso le dikgakololo mo go ba ba lebaneng ba akaretsa mapodise, dikgosi, ba boipelego, batsadi le ditsala tsa bone ka molemo wa kgang e le go buiwa.BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Mokgatlho o amogela dimpho Team Group Holdings e supile mowa wa kutlwelobotlhoko ka go abela mokgatlho wa House of Peace Orphanage Shelter dikete tse tlhano tsa dipula le tanka ya metsi. E rile a bua kwa moletlong wa kabo dimpho tse bosheng, mookamedi wa khamphani e, Rre Gina Devdevan a re ba bone go le botlhokwa go thologa mokgosi mokgatlho o ka o dira tiro e ntle ya go tlhokomela bana ba ba tlhokileng lesego ka go phuaganngwa kgotsa ba latlhegetswe ke batsadi. Rre Devdevan o galaleditse thata mosemolodisi wa mokgatlho o, Mme Esther Mokgadi ka go supa mowa wa kutlwelobotlhoko mo baneng a re o dira tiro e ntle e e bonwang ke batho le Modimo. E rile a tswa la gagwe mosemolodisi wa mokgatlho, Mme Esther Mokgadi a supa fa tiro e a e dirang e tsile e le pitso ya Modimo e bile a le motlotlo ka yone. O supile fa ba sa tlhokomela bana go tswa mo Mogoditshane fela mme ba tsaya bana go tswa kwa mafelong a a tshwanang le bo Gabane, Kopong Mogoditshane, Tlokweng le a mangwe. Mme Mokgadi o ne a supa fa ba na le dikgwetlho tsa letlhoko la madi, lefelo la bonno, mo go dirang gore mokgatlho wa bone o seka wa gola le go diragatsa maitlamo a bone. A re e tlaa re kgolong ya mokgatlho o, ba ikaelele go ikamanya le puso go isa bana ba kwa dikoleng tsa ithutelo ditiro tsa diatla go ba suga sesha. Fa a tswala moletlo o, mopalamente wa kgaolo ya Gabane-Mmankgodi, Maj Gen. Pius Mokgware, o ne a kopa setshaba go thusa bana ba ba tlhokileng lesego ba a reng ke kgwetlho ya mongwe le mongwe go dira jalo. O akgotse Team Group Holdings go bo ba supile mowa wa kutlwelobotlhoko mo baneng a tlatsa ka gore ke tiro e ntle ya go busetsa bontlha bongwe jwa ledi le ba le tsereng mo Batswaneng. Maj. Gen. Mokgware o akgotse Mme Mokgadi go bo a boloka bana a re o ruta setshaba boikarabelo ka tiro e ntle e. BOKHUTLO education 4 Bakgatla ba lebogela kokelo Morafe wa Bakgatla o lebogetse dikago tsa kokelo le diofisi tsa sepodisi tse di agwang mo kgaolong ya bone. Ba supile boitumelo joo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Mochudi Bophirima, Rre Gilbert Mangole ka Labobedi. Ba tlhalositse fa seo e le ditlhabololo tse ba sa bolong go di emela, ba supa fa kokelo e ba ntseng ba e dirisa ya Deborah Retief Memorial e le kgologolo. Ba ne gape ba leboga mopalamente ka go ba lekodisa ka dikgang tse di builweng kwa palamenteng e e fetileng. Le fa go ntse jalo ba ne ba supa matshwenyego ka khansele ya Kgatleng, ba tlhalosa fa ba sa bone dithuso tse di maleba kwa diofising. Mongwe wa banni, Mme Thapelo Pilane o ne a tlhalosa fa a lemogile fa dingwe tsa ditlhabololo di saletse morago mo kgaolong ka ntlha ya gore bangwe ba baeteledipele ba kgaolo ga ba tsenelele le fa e le tsone diphuthego tsa ga mopalamente. Rre Sekete Ntshole ene o ne a supa fa dithendara kwa khanseleng di fiwa dikhamphani tse dingwefela dinako tsotlhe, a kaya fa seo se ba baya ka fa mosing e le banana ba kgaolo. Rre Kondolo Lebekwe ene o ne a gore balwetse ba kgona go tsaya dikgwedi ba emetse go bonwa ke ngaka le ntswa ba botsogo ba bona gore ba gateletswe. Kgosana Phefo ene o ne a kopa mopalamente gore dikgosana di fiwe dikatso fa di tlogela tiro e le tsela ya gore di kgone go itshetsa. O bile a lela ka go re le P10 millon yo o filweng dikgaolwana ga ba ise ba bolelelwe sepe ka one. E ne ya re go le pele fa a ba lekodisa ka melao e e fetisitsweng ke palamente, Rre Mangole a tlhalosa fa molao wa boagedi o fetogile, a supa fa lantlha motswakwa a ne a nna dingwaga di le some pele ga a ka letlelelwa go tsaya boagedi. A re seo se fetogile ba lebeletse gore bangwe ba batswakwa ba tla e le babeeletsi le bagwebi mme ba lemoga fa dingwaga tse some di dira gore bangwe ba felele ba boetse kwa mafatsheng a bone ka dikgwebo tsa bone. O boletse fa jaanong tona wa lephata leo a filwe dithata tsa go fa mogwebi yo ba bonang gore o tsile go tlhamela batho ditiro boagedi go sa kgathalesege gore o setse a nnile dingwaga di le kae. Mo go tse dingwe, Mopalamente Mangole o ne a kopa morafe gore bontlha bongwe jwa P10 million bo ka dirisiwe go tlhabolola kgotla ya bone gore e lebege. A re dingwaga di setse di fetile di le dintsi kgotla eo e sa agwa. E ne ya re a ama dikgang tsa khansele, mokhanselara wa Ntshinoge, Rre Thabo Komane a bolela fa P10 million a filwe khansele go mo tsamaisa mme a ise a tsene mo letloleng la khansele. O ne a tlatsa ka go re le fa go ntse jalo ba ne ba kopana e le boeteledipele jwa kgaolo go bona gore ba tlaa dira eng ka one. Mokhanselara Komane o boletse fa ba ne ba dumalana gore madi ao ba tle ba a kgaogane ka dikgaolwana tsa bone tse di lesome le bobedi go bona gore ba ka tlhabolola eng ba lebile botlhoki. BOKHUTLO society 9 Lekgotla la BOPEU le aba dimpho E rile bosheng lekgotla la babereki la BOPEU la kgaolo ya Kgatleng la abela bana ba lelwapa loo- ra Lekoko kwa Mmathobudukwane dijo, diaparo le melora. Modulasetilo wa lekgotla leo, Rre Booster Mogapi o tlhalositse fa ba bone go tlhokafala gore ba thuse mongwe gonne go molemo thata go abela ba bangwe mo botshelong. Rre Mogapi a re ba ne ba ikgolaganya le ba ofisi ya boipelego go ba batlela bangwe ba ba tlhokang thusa mme ba fiwa bana ba lwapa loo-ra Lekoko. O tlhalositse gore tiro ya bone e le badirela puso ga se go nna fela mo diofising ba thusa setshaba mme le bone ba itlamile go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. O tsweletse a re ba tla a tswelela ba thusa fa ba kgonang teng. Le fa go ntse jalo, o kgothaditse bana ba ba abetsweng dilwana tseo go dira ka natla mo dithutong tsa bone. Fa a tswa la gagwe, moemedi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Mme Naomi Lekgabe o galaleditse ba lekgotla la BOPEU ka tiro e ntle e ba e dirileng mme a ba rotloetsa go tswelela ba thusa ba bangwe. A re le puso ya lefatshe leno e rotloetsa mowa wa go thusa ba ba sa kgonneng mo botshelong a tlatsa ka gore Batswana ka bontsi ba na le mowa wa go abela ba bangwe jaaka dikomiti ka go farologana di tsweletse ka go thusa mo kgaolong ya bone. Mme Lekgabe o supile fa dimpho tseo di tla a tlisa pharologanyo mo baneng bao ka lekgotla leo le di ba file ka lorato. Le fa gontse jalo, o kopile gore mo nakong e e tlang fa ba na le modiro wa go nna jalo ba laletse ba maphata a mangwe ka go farologana gore le bone ba tle go tsaya malebela mo go ba bangwe. E rile a ama bana ba ba neng ba abelwa dilwana tseo ka lefoko, a tlhalosa gore ga ba a tshwanela go itlhoboga mo botshelong ka sengwe le sengwe se na le nako ya sone mme a gatelela gore dimpho tseo ke tshegofatso mo matshelong a bone. E ne ya re go le pele fa a amogela baeng, Kgosana Rre Balebetse Pilane a leboga ba lekgotla leo le ba ba neng ba tsile kwa tirong ka ba bone go le maleba go tlogela ditiro tsa bone . O supile fa a eletsa fa le bone mo motseng wa bone ba ka nna le mekgatlho e e thusang batho ba ba tlhokileng lesego mo botshelong, a tlatsa ka gore mo malatsing ano batho ba tshelela mo pitlaganong ka ba le bantsi ba tlhoka thuso. A re botshelo jwa nako eno ga bo tshwane le jwa maloba jo bo neng bo se turu e bile batho ba thusana fela thata. Bana ba barataro ka palo ba ne ba abelwa diaparo mme ba bona go tshwanela gore ba ba rekele dijo le melora. society 9 Monna a ikaletsa morago ga go tlhaba mokapelo Monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le bone o fitlhetswe a akgega mo setlhareng morago ga gore a tlhabe mokapelo wa gagwe ka sengwe se se bogale. Mookamela mapodisi a Tsabong kwa kgaolong ya Kgalagadi, Superintendent Christopher Tlhapi-David, o tlhalositse fa mapodisi a begetswe tiragalo eo ka Tshipi ka nako ya lesome le bobedi bosigogare ke mongwe yo o boneng tiragalo eo. Rre Tlhapi-David a re mapodisi a ne a ragosetsa mosetsana yo o neng a tlhabilwe kwa kokelong fa mokapelo wa gagwe ene ba fitlhetse a akgega mo setlhareng gaufi le lelwapa lwa ga bone. O boletse fa mosetsana yoo, wa dingwaga tse di lesome le boferabobedi, a ne a thusiwa ke ba bongaka mme morago a romelwa kwa Princess Marina kwa Gaborone kwa ba bongaka ba tlhalositseng fa a sidilega. Rre Tlhapi-David o boletse fa morago ga ditlhatlhobo tsa ba bongaka ba ne ba rurifatsa fa monna yoo a setse a tlhokafetse, ebile serepa sa gagwe se le mo setsidifatsing sa kokelo ya Tsabong. O ne a supa fa bobedi joo bo tlholega kwa Tsabong ebile ba ne ba tshotse ngwana mmogo. Supt. Tlhapi-David o ne a gakolola borre go kopa dikgakololo fa ba na le tlhoko-kutlwisisano le bakapelo ba bone go na le go tsaya ditshwetso tse di sa siamang ka di felela di tlogelela ba ba setseng kutlobotlhoko. crime_law_and_justice 1 Banana ba kgothadiwa go tsenya letsogo mo ESP Molaodi wa kgaolo ya Kgatleng Rre Mompoloki Mochanang o kopile Bakgatla segolo thata banana ba ba nang le dikompone go dirisa lenaneo la ESP. O buile mafoko ao fa a ne a lekodisa morafe ka dingwe ditirelo tse di tlaa dirwang mo kgaolong ya bone ka lenaneo leo ka Labobedi, a tlhalosa fa dingwe tsa ditiro tseo di akaretsa go agiwa ga matlo a borutelo mo dikoleng, matlo a barutabana le go shafatsa dingwe dikago tsa puso. Molaodi Mochanang o boletse fa maikaelelo a lenaneo leo e le go tswakanya itsholelo le go tlhama ditiro mme o ne a rotloetsa bao ba ba nang le kgatlhego go ikopanya le ba ba lebanyeng go ba thusa. A re maphata ka go farologana a filwe madi go dira ditiro dingwe a fa sekai ka lephata la temo-thuo a supa fa mangwe madi a a ntshitsweng a ya go tokafatsa ditsela tse di yang merakeng le masimo gore Batswana ba kgone go ntsha dijo mo masimong go sena dikgoreletsi tsa ditsela tse di sa siamang. Mo dikgannyeng tse dingwe o ne a ama kgang ya boipuso a tlhalosa fa lefatshe leno le tlaa bo le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano a supa fa e tlaa bo e le boipuso jo bo faphegileng mme a rotloetsa morafe gore mongwe le mongwe a nne le seabe. A re o eletsa go bona folaga ya Botswana e phaphasela gongwe le gongwe mo kgaolong ya Kgatleng e le sesupo sa gore Botswana o ipelela dingwaga tse di masome a matlhano a tlatsa ka gore Motswana mongwe le mongwe a ntshe bothakga ja gagwe ka nako eo ka ditalente tse ba nang natso. O ne a supa fa a itse sentle gore Bakgatla ke batho ba mmino wa dikhwaere mme o ne a ba rotloetsa go tla go supa bokgoni jwa bone ka dikhwaere ka nako ya boipuso. Fa a wetsa mafoko a gagwe, molaodi o ne a kopa setshaba go nna ba tlatsa difomo mo diofising tsa puso tse di tlaa thusang bagolwane go sekaseka gore bodiredi bo thusa setshaba ka tsela e e ntseng jang. E ntse e le mo phuthegong eo, mogokaganyi wa balekane ba Botswana mo Kgatleng, Mme Adelaide Oathotse o ne a rotloetsa balekane ba Botswana go ikwadisa gore ba tle ba nne le seabe mo boipusong jwa ngwaga ono a tlatsa ka gore ba ba ikwadisitseng ba setse ba tlhamile komiti. A re maikaelelo a bone ke go agela mongwe ntlo e le sesupo sa gore le bone ba kgathala ka matshelo a batho ba bangwe. Fa ba mo kgwa dikgaba, Bakgatla ba ne ba tlhalosa fa le bone ba eletsa gore boipuso jwa ngwaga ono bo nne jo bo faphegileng ka lefatshe leno le tlaa bo le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano. economy_business_and_finance 3 Seabe sa kereke se ile tlase - Mbinga Moruti wa kereke ya Delta Cross Ministries, Rre Joseph Mbinga a re boleng jwa kereke mo lefatsheng leno bo ile tlase fa go tshwantshanngwa le nako e e fetileng. Moruti Mbinga o supile fa mo nakong e e fetileng dikereke di ne di goga kwa pele mo go tlhabololeng matshelo a batho. O buile jaana mo potsolotsong gore mo malobeng kereke e ne e na le seabe se setona ka jaana e ne e kgona go jesa, go apesa batho le gone go rera efangedi e e neng e fetola matshelo. O kaile fa gompieno dikereke dingwe di sa tlhole di ruta boamaaruri jwa lefoko la Modimo jaaka tshwanelo mme jaanong di eteleditse madi pele ka maano a go ikhumisa. A re dikereke di tshwanetse go bonwa di tshwaraganetse mokgweleo le puso e seng go bolaisa puso morwalo. “Kereke ga e sa tlhole e kgathala ka botsogo le botshelo jwa semowa jwa batho mme e kgathala ka madi a balatedi ba a tsenyang mo kerekeng. Selo se se dirile gore batho ka bontsi ba nne bahumanegi,” moruti a gatelela. Moruti Mbinga a re nako e gorogile ya gore dikereke di itsee motlhala go bona gore a mme di tsamaya mo dikgatong tse di maleba tsa go ruta boamaaruri jwa lefoko la Modimo. A re tiro ya kereke ke go anamisa molaetsa wa thero ka maikaelelo a go lere pharologanyo mo matshelong a batho. A re lefoko la Modimo le nonofetse go aga motho mo moweng. A re go a gakgamatsa ka gompieno mafelo a dikereke a fetogile madirelo a kgwebo. Moruti Mbinga o supile fa a itemogetse kgolo e ntsi ya dikereke dingwe tse di tsietsang beng gae, a supa fa bontsi jwa baeteledipele ba dikereke tseo ba humile thata fa balatedi ba tsone bone ba tshelela mo khumanegong. Moruti o kgadile a sa kgwe mathe dikgakgamatso le ditshupegetso tse di bolelelwang batho ka maikaelelo a go ba tseela madi a bone mme morago go sena sepe se se diragalang mo matshelong a bone. O supile fa lefoko la Modimo le supa fa motho mongwe le mongwe a tshwanelwa ke go ja mofufutso wa phatla ya gagwe, ka jalo ga gona ope wa moruti kana moporofiti yo o ka dirang madi. O gwetlhile Batswana go bulega matlho le gone go inaakanya le dikereke tse di rerang boammaaruri. A re Baebele e boletse gore mo metlheng ya bofelo go tlaa nna le baporofiti ba maaka mme a gwetlha setshaba go ikela tlhoko e seka ya re morago ba thanya lo le tsebeng. religion_and_belief 8 Ba re ditirelo di tokafadiwe Mokhanselara wa kgaololwana ya MASEGO ebong metse ya Mabolwe, Semolale le Gobojango mo kgaolong ya Bobirwa o ntshitse matshwenyego ka seemo se se sa nnang sentle sa matlo a baoki kwa kgaolong eo. Fa a bua kwa phuthegong ya khansele eo ka Laboraro, Rre Manuel Marole a re matlo a baoki kwa motseng wa Mabolwe ga a na motlakase mo a pateleditseng badiri bao go hirisa bonno mo motseng. Rre Marole a re go na le matlo mangwe a a saleng a goketswe motlakase mme ga a tshube ntswa go na le motlakase mo motseng oo. Mokhanselara Marole o ledile gape ka letlhoko la koloi e e thusang dikokelwana tsa metse e meraro eo a re e na le lebaka le le leele e ntse e seyo e ile go baakanngwa. A re se se utlwisang botlhoko ke gore koloi eo e ne ya swela mo tseleng e tswa go baakangwa kwa Francistown mme a kopa boeteledipele ja botsogo mo Bobirwa go tsibogogela seemo ka se baya setshaba sa kgaolwana eo ka fa mosing. Mokhanselara o tshwenyegile gape ka tlhaelo ya boroko e e aparetseng kgaolo eo a supa fa sekole se segolwane sa Gobojango se aperwe ke tlhaelo ya boroko ja barutabana mo ba felelang ba pitlagana mo matlong a bone. A re se se a tshwenya ka bodiredi bo sa nne sentle. Fa a bua ka matlo a baithuti ba nnang teng a re le one ga a nna sentle ka jalo a tlhoka go tlhabololwa gammogo le kwa matlwaneng a ba tlhapelang kwa go one a sa ba siamela. Fa a tsibogela matshwenyo a botsogo moeteledipele wa botsogo mo Bobirwa Dr Jackson Kaguamba a re ba tshwenngwa ke gore beng ba mafelo a a baakanyang dikoloi tsa puso ba ba ikemetseng ka nosi ba dira sogwasogwane fela a re seo ke go gopela itsholelo. A re o tlaa buisana le dikompone tsotlhe tse di ba direlang tiro go netefatsa gore ba dira tiro ka botlalo. Dr Kaguamba a re bakgweetsi ba dikoloi tsa puso le bone ga ba a tshwanela go tsaya dikoloi kwa mafelong ao ntle le tetla ya lephata la puso la Central Transport Organisation ka ke lone le filweng dithata tsa go kanoka gore a koloi e siame. Mokhanselara wa kgaolo ya Moletemane Rre Elijah Basinyi le ene o ne a lela ka tlhaelo ya dipilisi tsa kgotlholo e tona kwa kokelwaneng ya Moletemane. Mokhanselara wa Tobane/ Tshokwe Rre Dintlelo Mosweunyane o supile matshwenyego ka batho ba ba tlogelang dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV/AIDS. Fa a araba, Dr Kaguamba a re pilisi e nngwefela e e neng e fiwa balwetse ba kgotlholo e tona e ne ya fela kwa Central Medical Stores kwa Gaborone mme go na le tse dingwe tse di fiwang batho ba bolwetse joo. A re ga se gore dipilisi tsa bolwetse jo ga dio gotlhelele mo makaleng a botsogo. politics 7 Setlogelwa tsatsing se ikisa moriting Mogologolo e rile fa a re setlogelwa tsatsing se ikisa meriting, a bo a opile kgomo lonaka, ka a ne a etse botshelo tlhoko. O ne a leka go lemotsha gore fa o tlogetswe mo bothateng, o tshwanetse wa tswa ka maano a a ka go thusang go itirela botshelo, go na le go nna fela o solofetse thuso mo bathong. Motswana o ne a leka go tlhagisa gore fa o ka ikaega ka batho o sa leke go ithusa o ka iphitlhela o wetse ka lemena. Rre Justice Seiphetlho go tswa kwa Digawana, ke mongwe wa batho ba ba etseng tlhoko gore seane se, ga se ditshamekwane ka se ne sa ama botshelo jwa gagwe. Leeto le la botshelo jwa gagwe le ne la mo kgothatsa go dira setshwantsho sa motshikhinyego mme a se bitsa O kaile fa a diragaditse ditshwantsho tsa motshikhinyego di le pedi tsa leina le. Ditshwantsho tse, di ne di kwalwa ke ene, a bo a boa a kapa le ditshwantsho tsa teng, a bo a di lomaganya ka a na le boitseanape jwa teng e bile a na le kompone e e dirisanang le bodiragatsi e a e butseng ka 2016 e e bidiwang Orastice Media. O ne a tlhalosa setshwantsho sa ntlha se se duleng ka 2018, a re se bua ka botshelo jwa gagwe. A re botshelo jwa gagwe go tswa boyaneng bo ne bo le thata morago ga go latlhegelwa ke mmaagwe. O ne a sala le bo monnawe ba le babedi. Ba ne ba tshela botshelo jo bo seng motlhofo ka mmabo a ne a ba tlogetse ba le babotlana. Seiphetlho o ne a lemoga fa thuto e le bokamoso, mme ka jalo, a ititaya ka thupana gore a tsoge a itiretse botshelo jo bo eletsegang le ba lelwapa la gagwe. Maduo a gagwe a ne a sa mo kgotsofatse ka a ne a na le maikutlo a a kgoberegileng. O ne a tsena mokgatlho wa bodiragatsi wa sekole se a neng a tsena mo go sone sa Maoka Junior School. O ne a tswelela a dira tiro ya gagwe ya sekole ka bopelotelele ka maikaelelo a go fenya ditlhatlhobo. Bopelotelele jwa gagwe mo dithutong tse, bo ne jwa nna le maduo a a itumedisang ka Seiphetlho a ne a kgona go bona maduo a a nametsang mo dithutong. Le kwa bodiragatsing a dira ka bonokopila le bonatla, ka jalo o ne a le mantswitswidi wa sekole sa gagwe fa go tsena mo go tsa bodiragatsi. E rile go fitlheng ga gagwe kwa sekoleng se segolo, a feta a dira ka natla mo dithutong tse di amanang le botaki le bodiragatsi. Mme e rile a ya kwa mmadikole, a feta a bona go le botoka go itebaganya le tsa kgwebo (Bachelors of Business Administration, Major in Management). Maikaelelo a gagwe e ne e le gore dithuto tse a di tlhophileng tse, di tlaa mmulela dikgoro ka bontsi ka gore di na le menyetla e le mmalwa. Morago ga go fetsa sekole, o tlhalositse fa a ne a bereka kwa mafelong a a farologanyeng pele ga a ka simolola go dira baesekopo ya “Ke godile ke sokola, mme ga ke a ka ka phutha matsogo ka emela mongwe go nthusa. Ke dirile ka natla kwa sekoleng ke berekela bokamoso jo bontle,” o ne a tlhalosa jalo. E ne ya re go bona baesekopo ya ntlha e amogetswe ka lorato ke Batswana, a kgothala go ka dira ya bobedi e e duleng ka 2019, e mo go yone a supang seane se ka mmenyana wa lesiela, yo e rileng morago ga go latlhegelwa ke batsadi, a raelwa ke ditsala tse di sa siamang. Mme e rile morago, a iphitlhela a latlhegetswe ke boswa jo a neng a bo tlogeletswe ke batsadi. Seo sa dira gore a iphuthe metlhala a baakanye botshelo jwa gagwe go na le go itlhoboga. “Metshameko e ka bobedi, e bua ka dikgwetlho tse re kopanang natso mo botshelong. E supa fa re tshwanetse go emela bokamoso jwa rona ka dinao, go na le go bo baya mo diatleng tsa batho. Ke godile ke sotlega, mme gompieno ke rre wa lelapa, ke tsene sekole ka se fetsa, ke tlhokomela lelapa la me. Diemo tse ke fetileng ka tsone ga di a ka tsa nkgoba marapo,” o ne a tswelela a tlhalosa jalo. O ne a tlatsa ka go re banana ba na le go itlhoboga ka bonako fa ba kopana le dikgwetlho. Mme o solofela fa ba tlaa tia mooko morago ga go lebelela dibaesekopo tse pedi tse. Seiphetlho o tlhalosa fa a ikaelela go atolosa bodiragatsi jwa gagwe ka se e le talente e a tswang le yone kgakala. O tlhalositse fa se, se sa thuse ene a le nosi fela, mme se godisa mhama wa bodiragatsi wa lefatshe la rona. O tlhalosa fa se se thusa go lwantshana le letlhoko la ditiro la banana. “Ke ile sekoleng ke ya go dira Bachelor of Business Administration, Major in Management. O ka ipotsa gore e amana jang le bodiragatsi. Ke ne ke lebile gore e ka mpha dikitso di le mmalwa mo go tsa go dira madi. Gone jaana e nthusa go rekisa ditshwantsho tsa me sentle. Ga ke a ela bodiragatsi kwa sekoleng. Mme le fa go ntse jalo, ke nna ke kwalang dipolelo tsa me, ke nna ke tlhophang badiragatsi ka nna. Ke ba tlhopha ke lebeletse “Ke dirisa talente ya me. Ke dira se ke se ratang, ke se dira ka natla. Se a mperekela. Gape ke kgothatsa batho ka ditshwantsho tsa me ka di gasa melaetsa ya botlhokwa. Mo godimo ga moo, ke ruta batho ka boleng teng jwa Modimo, ka gore fa o ka ela tlhoko, metshameko ya me go na le fa e buang ka Modimo teng,” o ne a bua jalo a tlhalosa fa a ratile ka fa Batswana ba mo emeng nokeng ka teng. O ne a leboga mohumagadi wa gagwe, a bua fa le ene a mo eme nokeng mo go se a se dirang e bile ba dira mmogo. O ne a feleletsa ka go kgothatsa banana ka ene go ititaya ka thupana go bopa isago ya bone. “Fa o iphitlhela o le mo seemong se se sa nnang sentle, se se utlwisang botlhoko, o seka wa itlhoboga, tswa ka maano a go baakanya botshelo jwa gago, ema ka dinao o bereke, o tle o kgone go tshela sentle,” ga bua jalo Seiphetlho. arts_culture_entertainment_and_media 0 Ba botsogo ba kopa tirisano mmogo Lephata la Safe Male Circumcision kwa kokelong ya Scottish Livingstone kwa Molepolole ba kopile batsadi gore ba dirisane le bone fa ba ba tsamaya mo malwapeng go bua le bana ba bone ka go dira learo la borre. Rre Chilly Malokwane o ne a bua se mo phuthegong ya kgotla a bolela fa bangwe ba batsadi ba sa rotloetse bana ba bone go diara learo la borre. E re ka HIV/AIDS e apesitse kobo ka letshoba mo Botswana, o ne a tlhalosa fa learo la borre ele nngwe ya ditsela tse di ka thusang go fokotsa kanamo ya mogare ka dipatisiso di supa fa rre yo o dirileng learo a babalesegile ka 60 per cent go ka tsenwa ke mogare. A re le fa go ntse jalo o rotloetsa borre ba ba dirileng learo go tswelela ba dirisa sekausu fa ba tlhakanela dikobo. Rre Malokwane o boletse fa mo bogompienong ba lephata la SMC le setse le na le dikoloi tse di nang le boranyane jo bo ba kgontshang go direla learo la borre mo go tsone. Se se raya gore fa ele gore motsadi wa ngwana o na le kgathego ya gore ngwana wa gagwe a dire loaro mme a sa kgone go tla kokelong ka ntha ya mabaka mangwe ba ka kgona go mo latela gone kwa aleng teng batle ba dire loaro gone ko lwapeng lwa gagwe. O ne a tlhalosa fa bana ba ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le botlhano go ya ko go tse masome a le mararo e le bone ba o fitlhelang ba le matlhagatlhaga mo go tsa tlhakanelo dikobo ka jalo ba ba rotloetsa gore ba dire loaro lwa borre. Batsadi ba bana ba eleng gone ba tsholwang le bone fa ba ratile ngwana o ka dirwa loaro gore a gole a dirilwe. Are ere ba boloditse letsema la go tsamaya ba ruta batho ka loaro lwa borre mo malwapeng batsadi banne ba ba letelela mo malwapeng a bone gore ba tsene ba ba rute ka tseo. Bofelong o ne a tlhalosetsa bomme fa le bone banne ba rotloetsa borre ba ba tshelang le bone gore ba dire loaro. Are ntlheng ya go fokotsa go tsenwa ke mogare, loaro lwa borre le itsa mme gore a tsenwe ke kankere ya molomo wa popelo. Ka jalo go maleba gore Rre mongwe le mongwe a dire loaro lwa borre. BOKHUTLO health 6 Mosadi o fitlhetswe a tlhokafaletse mo ntlung Mapodisi a Kutlwano kwa Francistown a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le borataro a fitlhetsweng a tlhokafetse mo ntlong ya gagwe kwa Block 5. Mo potsolotsong le BOPA, mogolwane wa sepodisi Superintendent Neo Serumola a re tiragalo eo e diragetse Motsheganong a le lesome le borobabongwe bosigo gare. Superintendent Serumola a re ba begetswe tiragalo eo ke baagisanyi, morago ga go utlwa ngwana wa mme yoo ka go kua mokgosi. A re setopo sa mosadi yoo se kwa setsidifatseng sa sepatela sa Nyangabgwe go tlhatlhojwa ke dingaka, le fa go ntse jalo a re ba tshegeditse monna wa gagwe yo o dingwaga tse di masome a matlhano le bone go ba thusa ka ditlhotlhomiso. Superintendent Serumola o boletse fa moswi ga mmogo le monna wa gagwe ba tlholega kwa Serowe. O gakolotse setshaba gore molemo wa kgang ke go buiwa e seng go itseela molao mo matsogong. A re go bolaya motho ga se tharabololo ya mathata mme go tsisa mathata le khutsafalo mo lwapeng mme o rotloeditse setshaba ka kakaretso go nna le segakolodi mo ditlhaloganyong tsa bone, ka dinako tsotlhe fa ba tlelwa ke dikakanyo tse di sa siamang. Gape a re ba ka ikopanya le ba bogakolodi bo tshwana le ba sepodisi, mmaboipelego, ba bokaedi jalo jalo go tsaya dikgakololo tse di maleba. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Puso ga e a emisa Ipelegeng - modulasetilo Modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye, Mme Khumoyame Lekoko, o tlhaloseditse banni ba metse ya Maunatlala, Lesenepole le Moremi kwa kgaolong ya Lerala/ Maunatlala fa lenaneo la Ipelegeng le sa emisiwa. Mme Lekoko o tlhalositse seo, mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre Sethabelo Modukanele bosheng. O ne a tlhalosetsa banni fa puso e lemogile fa lenaneo le le ka nna le seabe mo go anamiseng mogare wa COVID- 19 ka babereki ba teng ba dira ka go fapaanela didirisiwa le go kgobokana. A re puso e itse botlhokwa jwa lenaneo le ka le thapa bontsi ja batho go ba namola mo lehumeng, a a fa sekai ka babereki ba ba thapilweng go phephafatsa kwa dikolong ba eleng bontlha bongwe jwa lenaneo le. E rile a tswa la gagwe, mokhanselara wa Maunatlala, Mme Salome Lesole, a akgolela banni ba Maunatlala tirisanyo mmogo ya bone mo go lwantsheng COVID-19 le go sala ditaelo tsa botsogo morago. Mme Lesole o ne a tswelela ka go rotloetsa banni go dirisa metsi le molora go tlhapa diatla le go ela tlhoko di bolaya mogare le go di baa mo mafelong a a faphegileng go iletsa bana go di dirisa ka di ka nna borai mo matshelong a bone. E ntse e le mo diphuthegong tseo, Kgosi Kgosiemang Kebuamotse wa Lesenepole o ne a ntsha matshwenyego a letlhoko la koloi le gore diofisi tsa gagwe di tlhoka go shafadiwa. Kwa Moremi, Kgosi Major Tshito Days ene o ne a itela ka letlhoko la metsi a a bothitho kwa sekolo se se potlana sa Mapulane, a tlhalosa fa se se thuthafatsang metsi se sa bereke. Rre Days o ne a tlhalosetsa mopalamente gape gore ba filwe koloi kwa kgotleng mme ga e na mokgweetsi. Le ene fela jaaka dibui tse dingwe o ne a rotloetsa banni ba kgaolo ya gagwe go tswelela ka go itlhokomela go thibela COVID-19. O ne a kgothatsa banana go nna le seabe mo itsholelong ya lefatshe la bone ka go dirisa mananeo a puso a a teng go lwantsha lehuma. politics 7 Kgokgontsho ya bong e santse e tshwenya Mogolwane wa mapodisi a kgaolo ya District No 8, Senior Superintendent Sarah Gabathusi a re kgokgontsho ya bong ke kgwetlho e e amang lefatshe ka bophara. Mme Gabathusi o buile se kwa thuto puisanong ya itshireletso ya malwapa kwa Orapa bosheng,. A re ga gona morafe ope o o ka galaletsang kgokgontsho ya bong. Mme Gabathusi a re kgokgontsho ya bong e bonala ka dipalo tse dintsi lefatshe ka bophara. A re dipatlisiso tse di dirilweng bosheng di supile fa kgokgontsho ya dititeo le ya maikutlo di goga kwa pele. O boletse fa dikgang tsa kgokgontsho ya tlhakanelo dikobo di le kwa godimo kwa kgaolong ya gagwe mme di akaretsa dithubetso le tiriso botlhaswa ya bana ba dingwaga tse di kwa tlase. Mme Gabathusi a re ba boloditse letsholo la go tsibosa setshaba ka bodiphatsa le ditlamorago tsa dikgang tsa kgokgontsho ya bong ka kakaretso. O boletse fa ba-na-le-seabe botlhe ba tshwanetse go ema ka dinao go lwantsha diemo tsotlhe tsa kgokgontsho. Maikaelelo ke go baya borre kwa pele mo letsholong le. O rotloeditse gore ba lwantshe kgokgontsho ba bo ba ikgaphe mo go yone. Mme Gabathusi o kopile bogogi jwa dikereke go aga setshaba ka go rotloetsa lerato go fedisa kgokgontsho. A re go solofelwa gore bomme ba ikaege ka borre. Mme Gabathusi a re ditagi le tsone di tlhotlheletsa kgokgontsho, a tlatsa ka gore le fa dingwe tsa tsone di se ka fa molaong, go na le bangwe ba ba inaakantseng le tsone. A re le fa ditlamorago tsa tsone di itsiwe, bangwe ba ikgatholositse se ka ba gweba ka tsone fa ba bangwe ba di dirisa botlhaswa. Mme Gabathusi o boletse fa kgang e nngwe e e ngomolang pelo e le ya tiriso bana botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo, a re se se ba baya mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetse a a borai. crime_law_and_justice 1 Paje o itumelela dithuso tsa badirelapuso Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Paje o akgoletse badirelapuso mowa wa popagano le tirisanyo mmogo le batho ba motse. Rre Lenaga Toteng o buile fa maphata a puso a ne a isitse ditirelo kwa motseng oo bosheng. A re thulaganyo e, e e eteletsweng pele ke ofisi ya ga molaodi, e botlhokwa thata. “Re lebogetse ditlamelo ka go farologana, ntswa e le la ntlha go diragala re dumela fa go tlaa tswelela.” Modulasetilo a re tiro eo, e butse batho ba Paje matlho, e bile bontsi bo kgotsofetse. Rre Toteng a re go dira jaana go tlaa itsa batho gore ba botse mapalamente dikgang tse badirelapuso ba ka di rarabololang. Rre Toteng a re keletso ya bogogi jwa motse ke gore batho ba tsibogele ditiro tsa mohuta o, a re thulaganyo e, e tletse thuto ka maphata ka go farologana a rekisa ditirelo tsa one. “Kana ntswa batho ba itse ka mananeo a puso, go a diragatsa e santse e le kgwetlho, jaanong fa maphata a etetse mo motseng mo go nolofatsa tsotlhe tse di tshwanetseng go diragadiwa. Jaanong keletso ke go bona batho ba tsena mo go bo Re a Nyalana.” A re o lebogetse dithuto ka go farologana jaaka ba dikgolegelo ba ne ba rotloetsa morafe go itse gore fa mongwe wa losika a tshwerwe o tshwanetse go etelwa, le gone gore a kopiwe fa motsadi kana losika lo lo gaufi lo tlhokafetse. Bokhutlo society 9 Popagano e tsisa katlego Modulasetilo wa khansele-potlana ya Boteti, Rre Solomon Cornelius o kopile makhanselara a kgaolo eo go dirisana sentle le go bereka ba le seopo sengwe. Rre Cornelius o ntshitse kopo eo fa a bula phuthego ya boraro ya khansele-potlana ya Boteti ka Mosupologo kwa Letlhakane. A re ba tshwanetse ba ithotloetsa ba oketsa ka ba fa dirang tiro ya bone ka teng gore e nne babereki ba tlhwatlhwa. A re go bereka ba bopagane go ka dira gore ba atlege mo tirong ya bone le fa ba na le dikgwetlho. Rre Cornelius a re o na le tsholofelo ya gore kgaolo-potlana ya Boteti e ka dira botoka. Rre Cornelius o ne a tlhalosetsa phuthego ya khansele ka mananeo a ba a kgonneng le dikgwetlho tse ba nang le tsone mo kgaolong, a tlhalosa fa kgaolo e ne ya ipelela malatsi a le masome a matlhano pele ga boipuso. O ne gape a ba gwetlha gore ba apare mebala ya lefatshe leno ga mmogo le gore ba amogele letsatsi la boipuso jo bo kgethegileng. O tsweletse a tlhalosa gore ka lenaneo la Adopt a School, kgaolo ya Boteti e tsweletse ka go akola dithuso go tswa ko dikhampane ka go farologana. Rre Cornelius o ne gape a re mo maitekong a go tlhabolola thuto ya lefatshe leno kgaolo ya Legare e itlamile go tshwara kabo dietsele ya lekwalo la bosupa (PSLE) mo kgaolong. O bile a ba tlhalosetsa gore sekole sa ithutelo tiro ya diatla sa Boteti Brigade jaanong se tlaa akaretsa dithuto tsa Certificate Level mo dithutong tsotlhe tse ba nang le tsone. A re kgaolo ya Boteti e tsweletse ka go itemogela dikgwetlho tsa dipetelelo tsa bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro. Are go dirilwe dithutopuisano tsa bana ba masiela le batlhokomedi ba bone le banaleseabe ka kakaretso, e le tsela nngwe ya go tsibosa setshaba ka dikgang tseo. Rre Cornelius o tlhalositse fa khansele e rutuntshitse maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse ka maikaelelo a go ba fa kitso ka seabe sa komiti e e mo ditlhabololong tsa metse ya bone . O ne gape a re lenaneo la go agela batlhoki matlo le simolotse mo kgaolong a re palo yotlhe ya matlo ke masome a mane le boraro fa a le masome a mabedi le bosupa a tlaa agiwa kwa metseng e e kgakala le ditlamelo, a le lesome le borataro a tlaa agiwa kwa metseng e mengwe. One a kgothatsa banaleseabe go tswelela ba thusa bao ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng ka gore bonno ke selo se se botlhokwa e bile puso ka nosi ga e kake ya kgona. Rre Cornelius o ne a leboga dikhampane tse di setseng di thusitse ka go agela batlhoki matlo mo kgaolong ya Boteti. BOKHUTLO politics 7 Makeshani wa Malatswai setswerere se se tumileng Setswana se se reng mosadi tshwene o jewa mabogo le se se reng mosadi thari ya setshaba, se tlhalosa Mme Dikeledi Makeshani (63) mo phatleng. Mme Makeshani wa Malatswae kwa kgaolong ya Serowe Bophirima ke setswerere se se tumileng ka go kgabisa matlo ka mokgapho. E ne ya re babega dikgang ba BOPA ba etetse Malatswae bosheng, ba kgatlhwa leitlho ke lelwapa le matlo a gagwe a a kgaphilweng ka botswerere jo bo kwa godimo. Bontle jwa one ga se jo mohiti le tsela a ka fetang ntle le go ema motsotsonyana, a jesa matlho monate. Malwapana a gagwe a dililwe ka mebu e e mebalabala, lengwe la malwapana e kare mebala ya dikole tse di kgolwaneng mo Botswana. Se sengwe se se kgatlhang bobe ke ka fa ditlhare tsa meriti di diretsweng mekatako e e kgaphilweng ka matsetseleko ka teng, go supa sentle fa motho a tsere nako ya gagwe. Mme Makeshani a re kitso e o e amule mo go nkukuagwe a sale mo botshelong, a bolela fa e ne e le mme wa seithati. A re o ne a kgatlhega mme a bona gore kitso ya ga nkukuagwe ga e a tshwanela go nyelela, e tekele kwa dikokomaneng. Kitso e, e thusitse Mme Makeshani mo dinakong tsa lenyora le tlala. O boletse fa khutsanyana e go tweng COVID-19 e emisitse tiro ya gagwe ka jaanong a sa tlhole a dira sepe ka gore metsamao le go atumalana go tshwanetse go laolwa, go thibela kanamo ya bolwetse. A re o kile a bo a ipoa kgoboaboe mo dikgaisanong tsa letsatsi la ga Tautona, a nna a tsere maemo a ntlha mme seo se mo thusa go itshetsa le bana ba gagwe. Mme Makeshani a re ka jaanong se se eme, o a sokola ka ga a bereke, mme o na le bana le dikokomane di le 9. O boletse fa talente ya gagwe e ne e mo tlodisa dinokana ka a ne a kgona go ijesa dimotamolomo fa a se na go gaisa bomme ba ba bangwe. Mme Makeshani o boletse fa bana ba gagwe go bereka a le mongwe le ntswa bangwe ba bone ba iteilwe seatla. A re o ntse a tshwaratshwara mo Ipelegeng mme jaanong e hetogile e sa dire jaaka pele fa e sa le COVID-19. O boletse fa a tsaya mebu ya lekgapho kwa Letlhakane, Mmei le Mmashoro mme jaanong malatsi ano go thata go e latela. Mme Makeshani yo o sa tsewang, o itshokolela le bana ba gagwe a re o lekile go ngoka bomme ba Malatswae go bopa setlhopha gore ba dire mmogo mme a re ba kgobega marapo fa dilo di sa tsamae sentle. A re lelwapa le le kgaphilweng le nna phepa, le nna le seriti e bile le kgatlha le batho tota ba lemoga fa go nna seithati. Fa a bodiwa ka go inaakanya le mananeo a itshetso a puso jaaka nyeletso lehuma, o boletse fa a kile a fiwa dipudi mme tsa jewa ke bophokoje fa tse dingwe di ne tsa utswiwa jaanong a setse ka e le nngwefela. arts_culture_entertainment_and_media 0 Ngwana ke selwana -Kgosi Kgosi Olebogeng Mojuta a re ngwana o tlhoka bopelotelele, tlhokomelo le lorato gore a gole a nonofile mo tlhaloganyong. Kgosi Mojuta o ne a bua jaana kwa moletlong wa go abela bana ba mokgatlho wa Humana People To People ba le masome matlhano diaparo go tswa kwa badiring ba Banka ya ABC mo Selebi Phikwe. O ne a tlhalosa fa mo nakong tse di fetileng ngwana a ne a kgalemelwa ke motsadi mongwe le mongwe mme mo nakong ya gompieno go sa nna jalo. Kgosi a re se ga se ree gore batho ba ikgatholose go kaela bana tsela e e maleba ya botshelo. Kgosi Mojuta a re go tlhokomela ngwana go tshwanetse ga tshwaraganelwa ke batsadi ka bobedi go netefatsa gore o gola sentle, a re se se ka fokotsa tshotlego ya bana mo go felelang e nna morwalo wa puso. Kgosi Mojuta o ne a tlhalosa fa letlhoko e se boleo mme a kgothatsa setshaba go nna le lorato mo go ba ba tlhokileng lesego la go ka itirela gore ba kgone go lemoga fa ba amogelesigile mo setshabeng Mme Faith Oteng, modiri wa Banka ya ABC mo Selebi Phikwe a re ba bone go tshwanela go araba kopo ya ga Tautona ka go lemoga bana ba ba nang le letlhoko mo tikologong e ba direlang mo yone ka go ba abela diaparo. Mme Oteng o tlhalositse fa puso e leka go tlhabolola matshelo a Batswana mme go le thata go fitlhelela mongwe le mongwe. A re e le badiri ba ABC ba bone go le botlhokwa go tsenya letsogo go thusa ka se ba nang le sone. A re ba ne ba nna le mogopolo wa go kokoanya diaparo le go kopa setshaba ka kakaretso go thusa ka se ba nang naso gore ba kgone go thusa bana ba ba nang le letlhoko mo toropong ya Selebi Phikwe. Mme Oteng o ne a tlhalosa fa ba tlaa tswelela ba thusa bana bao ka fa ba ka kgonang ka teng. Mokgatlho wa Humana People To People o tlhamilwe ka 2006 ka maikaelelo a go tlhabolola le go bopa matshelo a bana ba dikhutsana mo toropong ya Selebi Phikwe. Mme Monica Bogatsu yo e leng mookamedi wa mokgatlho o tlhalositse fa ba itebagantse le go ruta bana ditiro tsa diatla jaaka go roka,go lema le go dirisa dikhomputara. Mme Bogatsu a re babereki ba Humana People To People ke baithaopi ba dikitso tse di farologaneng mme ba le pelotelele go ruta bana gore ba tsoge ba kgona go fetola matshelo a bone le ba malwapa a bone ka dikitso tse ba tla a bong ba di amogetse. Kwa bofelong Mme Bogatsu o ne a supa fa a le motlotlo go bona dikhamphani ka go farologana di otlolotse letsogo go thusa mokgatlho,a re se se supa fa setshaba se kgatlhala ka matshelo a bana bao. BOKHUTLO education 4 Mananeo a thusa Batswana -De Graaf lick to see more pictures Ntlhopeng wa bopalamente wa Botswana Democratic Party (BDP) kwa Ghanzi Borwa, Rre Christiaan De Graaf a re mananeo a phathi ya bone a nonofile e bile Batswana bangwe ba setse ba itshetsa ka one. Rre De Graaf o ntshitse mafoko ao fa ane a buisa phuthego ya sepolotiki kwa Ghanzi ka mafelo a beke. A re bontsi jwa Batswana ba tlhalosa fa mananeo a na le mosola thata mo matshelong a bone. O boleletse batlhopi gore fa lefatshe leno le tsaya boipuso, itsholelo ya lone ene ele kwa tlase go sena ditlhabololo tse dintsi. A re gompieno ka puso ya BDP e e nang le boeteledipele jo bo nang le tebelopele, ditlhabololo di bonwa ke Motswana mongwe le mongwe. Rre De Graaf o boleletse batlhopi bao fa mogopolo wa gore go agiwe matlhabelo mo kgaolong ya Ghanzi o gannwe ke mapalamente a phati tsa kganetso, a bua jalo a leka go lemotsha batsena phuthego eo fa phathi ya bone e sena seabe mo kgannyeng eo. A re batho ba diphati tsa kganetso ga bana boamaruri, ka jalo bone ele batlhopi ba tshwanetse go kanoka mananeo a diphati tsotlhe gore a a ka sologelang Batswana mosola ke afe. A re diphati tsa kganetso di tlogele go kgala mananeo a BDP ntswa ele bone ba ntlha go tsaya dithuso tseo go tlhabolola matshelo a bone. A re o lemogile fa diphati tseo di sa batle go bona matshelo a Batswana a tlhabologile. O ne a kgala thata diphathi tsa kganetso, a tlhalosa fa di ka seke tsa busa lefatshe leno, ka di palelwa ke go diragatsa ditsholofetso le maitlamo a bone. Ntlhopeng wa bopalamente wa Ghanzi Bokone, Rre Johnie Swartz ene o ne a kopa batlhopi ba kgaolo ya gagwe go tlhopa BDP ka dipalo tse di kwa godimo ka gore motlhala wa yone o bonwa ke Motswana mongwe le mongwe. Rre Swartz o boleletse batlhopi bao fa dingwaga tse tlhano di wetse, ka jalo go le mo go bone ele Batswana go kanoka phati e e botlhokwa mo matshelong a bone mme e bile e ka kgona go tsamaisa lefatshe leno sentle. Rre Swartz a re BDP ke yone fela e ka kgonang go busa lefatshe leno ka gore ena le baeteledipele ba ba nonofileng e bile ba na le tebelopele go ka etelela pele puso ya lefatshe leno. A re mo dikgaolwaneng tsa botlhopi dile 57 tsa mapalamente le bokhanselara, BDP e na le baemedi fa ba diphati tsa kganetso ba paletswe ke go emelwa mo dikgaolwaneng tseo BOKHUTLO politics 7 Ba lebogela therisanyo E re ka jaana morero e le selo sa botlhokwa mo ngwaong ya Setswana, banni bangwe ba motse wa Dutlwe kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba re ba itumedisiwa ke go bona baeteledipele ba bone ba santse ba tlotla morero ebile ba tshegeditse mowa wa therisanyo ka ba netefatsa gore ba tshwara diphuthego gangwe le gape go ba lekola. Ba supile fa ba lebogela go bona baeteledipele ba netefatsa gore ba a ba tlhola le go ba lekola go tla go utlwa matshwenyego le go tsaya megopolo mo go bone, ba kaya fa seo se dira gore batho ba tlhaloganye ka tse di diragalang mo lefatsheng la bone le go nna le tshepho mo go ba ba ba romileng. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mokhanselara wa kgaolowana eo, mongwe wa batsadi mo motseng, mme Itshenkeng Tsheboagae a re bontsi jwa Batswana ba santse ba tlhokana le thuto e e tseneletseng le kgothatso tebang le tsa go inaakanya le mananeo a puso, mme ka jalo go botlhokwa gore baeteledipele ba amogane le morafe thuto ka mananeo. Mme Tsheboagae a re ba lebogela go bona ba ba ba eteletseng pele ba ba lekola kgapetsakgapetsa go tla go amogana le bone thuto ka ditirelo tsa puso le go ba lekodisa ka se e leng bothata mabapi le go tlhabologa ga metse ya bone, mme a ba gwetlha go tswelela ba ba lekola ka maduo a morero a le mantle. O kaile fa morero o le botlhokwa ebile o tshwanetse go tlotlwa, a kaya fa go tshwara diphuthego tsa kgotla go thusa thata ka go neela Batswana sebaka go ntsha matshwenyego le dingongorego tsa bone mo go ba ba eteletseng pele, mme a kopa banni bao segolo jang borre go tsibogela diphuthego tsa kgotla gore ba seka ba fetwa ke mananeo. O ne a supa fa puso e tlhamile mananeo a a farologanyeng go thusa Batswana go ikapola lehuma mme a supa fa go tlhaela kitso e le sekgoreletsi se segolo mo go bangwe go inaakanya le mananeo mme ka jalo a gatelela botlhokwa jwa gore baeteledipele ba tswelele ka go ba lekola go tla go amogana le bone kitso. E ne e rile go le pele, mothusa kgosi, Rre Omphile Kgogwane a gakolola morafe go tlhaloganya fa seabe sa bone se le botlhokwa thata mo go tlhabologeng ga motse,mme a ba kopa go tswa ka maano a a ka thusang motse wa bone go tlhabologa le go inaakanya le mananeo go fatlhoga mo lehumeng. O ne gape a kgala mowa wa atlhama ke go jese o bangwe go lebegang ba santse ba na le one,mme a ba gwetlha go ikemela ka dinao ka go tshwara ka thata fa ba abetswe dithuso tsa mananeo a puso go na le go ikaega fela ka gore ba tlaa phakisiwa. politics 7 Tshwaragano ya batsadi le barutabana e botlhokwa Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Tamocha, Mme Tlholego Kemelo, o tlhalositse fa tshwaragano ya batsadi le barutabana e le botlhokwa mo go tokafatseng thuto ya bana. Mme Kemelo o boletse mo moletlong wa kabo dimpho le go ipelela go dira sentle mo ditlhatlhobong tsa lokwalo lwa bosupa ngogola, gore tshwaragano fa gare ga batsadi le barutabana ke yone e tlhotlheletsang baithuti ba sekole seo go tlhwaafalela go dira ka botswerere mo dithutong, mo go dirileng gore sekole seo se tswelele ka go gaisa tse dingwe mo maduong a ditlhatlhobo tsa lokwalo lwa bosupa ngwaga le ngwaga. A re lefa sekole sa Tamocha se lebanwe ke dikgwetlho di tshwana tlhaelo ya ntlwana ya metlobo ya dibuka, tlhaelo ya matlwana a borutelo, tlhaelo ya boroko jwa barutabana le tlhaelo ya matlwana a boitiketso seo ga se ba kgobise marapo mo go ntsheng maduo a a itumedisang ngwaga le ngwaga ka jaana e rile ka ngwaga wa 2012 baithuti ba sekole seo ba gaisa dikole tse dingwe ka go pasa ka 85.7% fa ngogola se pasitse ka 78.9%. Mme Kemelo o iteetse legofi bagolwane ba lebenkele la Sefalana Huper le badiri ba lone ka go nna le seabe mo go tokafatseng seemo sa thuto mo dikoleng tsa kgaolo ya Mahalapye Bophirima, ka go thusa ka dimpho tse di abelwang baithuti di tshwana dietsele, dibaesekele, melora, dijana tse di jelang le kopi e e fapaanelwang e sekole seo se e gapileng lekgetho la bobedi. Mothusa mogolwane wa lebenkele la Choppies Mme Hildah Kaludi yo e neng e le sebui sa tlotla o boletse fa thuto e le konokono ya botshelo e bile e le boswa jo motho a ka sekang a bo amogwa ke ope go fitlhelela a ikgapelwa ke ramasedi. Mme Kaludi o tlhalositse fa e le boikarabelo jwa motsadi mongwe le mongwe go nna le seabe mo thutong ya ngwana wa gagwe boemong jwa go baya sengwe le sengwe sa kgodiso ya bana mo barutabaneng ntswa batsadi e le bone ba nnang le bana lobaka lo lo leele kwa malwapeng. A re banana ba tshwanetse go tlhwaafalela dithuto go na le go inaakanya le ditiro tse di ka ba senyetsang isago jaaka borukutlhi, go itlontela dino, go goga motsokwe le go ima ba sa le banana. Mongwe wa dibui e ne e le mogolwane wa lebenkele la Sefalana Huper Rre Thatayaone Nkwe, yo a neng a abela baithuti ba le masome a supa le motso ba ba neng ba dira mophato wa bosupa ngogola dietsele le dimpho tse di akaretsang melora,didirisiwa tsa thuto le dijana tse di jelang e le tsela nngwe ya go ba lebogela ka fa ba dirileng ka teng ngogola. Rre Nkwe o rile e re ntswa maikemisetso a lebenkele la gagwe e le go dira dipoelo, e le bagolwane ba lone ba bone go le matshwanedi go nna le seabe mo go tlhabololeng seemo sa thuto mo dikoleng tsa kgaolo ya Mahalapye Bophirima ka jaana lebenkele leo le bona dipoelo tsa madi a a tswang mo bathong ba motse oo. A re e le ba Sefalana ba simolotse go nna le seabe mo go thuseng mo thutong ya bana ka ngwaga wa 2011 fa ba ne ba rekela dikole tsa kgaolo eo kopi e e fapaanelwang, e e neng ya simolodisiwa ke mopalamente wa pele Lt Gen Mompati Merafhe. BOKHUTLO education 4 Kgodiso ya ngwana ke boikarabelo jwa botlhe Banni ba Old Naledi kwa Gaborone ba kgothaditswe thusa go lwantsha tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi ke bana ba dingwaga tse di kwa tlase segolo jang bana ba dikole tse dikgolwane. Fa a bua kwa bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke banana ba Captive Eye Organisation and Youth in Action bosheng, mogolwane wa lephata la thuto, Rre Lesego Morake, o tlhalositse fa lephata la thuto le tsamaya le dikole tsotlhe tsa puso le tse di ikemetseng, maikaelelo e le go ruta bana ba dikole ka ditlamorago le bodiphatsa jwa go dirisa ditagi ba santse ba le babotlana. Rre Morake a re bana ba ba nang le dingwaga di le lesome le borobabobedi mme ba santse ba le mo dikoleng tse dikgolwane le bone ba rotloediwa thata go ikgapha gotlhelele mo tirisong ya nnotagi le diritibatsi ka ba a bo ba santse ba le ka fa tlase ga tlhokomelo ya batsadi ba bone. O rotloeditse batsadi go dirisanya le barutabana gammogo le mapodisi go lwantsha tiriso botlhaswa ya ditagi mo baneng le mo bananeng, a re batho botlhe ba tshwanelwa ke go nna le seabe go nyeletsa tiriso ya diritibatsi mo bananeng. Rre Morake o tsweletse ka go tlhalosa fa ditagi di dira gore ngwana a seka a itse molemo le bosula, a tlatsa ka gore motho fa a le mo diritibatsing o lebala le gore Setswana sa re tlhong botho. O kaile gore ngwana o tsaya maitsholo a a siameng kgotsa a a sa siamang kwa lwapeng. A re ngwana o ja se a bonang se jewa kwa lwapeng ka jalo a gwetlha batsadi go itshwara sentle mo matlhong a bana ba bone ka jaana gotwe susu ilela suswana gore suswana le ene a go ilele. Rre Morake a re batsadi ba tshwanelwa ke go itse gore fa bana ba bone ba ba palela ga se molato wa barutabana ka jalo a kopa batsadi go nna le seabe se se fa godingwana mo go netefatseng gore ba aga bana ba bone gore ba gole ba na le boikarabelo mo setshabeng le mo matshelong a bone tota. O bile gape a kgothatsa banana go tsaya thuto ya bone ka tlhwaafalo mme ba ikgaphe mo tirisong ya nnotagi le diritibatsi gore ba tle ba kgone go fitlhelela ditoro tsa bone. Ratoropo wa Gaborone Rre Kagiso Thutlwe ene o lebogile mokgatlho oo thata go bo ba bone go tshwanela gore ba lwantshe tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi mo lefatsheng la Botswana, a supa gore ke ka mekgatlho e e tshwanang le o o banana ba rutiwang ba bo ba engwa nokeng go ikamogela ba bo ba sidilwa maikutlo tebang le dikgwetlho tse ba di raletseng. Ratoropo a re batho fa ba bopagane ba le ngata e le nngwe ba fenya mathata ba bo ba fitlhelela maikaelelo a bone go le bonolo. O supile fa nako e tsile gore Batswana ba eme ka dinao go kganela le go kgala ba menne phatla tiriso ya diritibatsi le gone go kganela go tsena ga tsone kwa melelwaneng e se ka fa molaong. O rotloeditse Batswana go loma mapodisi tsebe tebang le ditiro tsa borukutlhi tse ba di bonang mo tikologong ya bone a supa fa go sena ope yo o fetang molao e bile go se motho ope yo o ka o huhumelang a re molao o tla diragadiwa mo go bao ba ba ditlhogo di thata e bile ba inaakantse le borukutlhi go senya lefatshe Ratoropo a re pharologanyo e dirwa ke batho mme e bile tshenyo e dirwa ke batho ka jalo a kopa setshaba go ikgethela go dira pharologanyo e e tlaa ungwelang lefatshe la Botswana, a tlatsa ka gore batho ba tshwanetse ba sokologela kwa tshiamong ba ikgaoganya le bosula health 6 Lesaso o solofetsa therisanyo Mopalamente wa Shoshong, Rre Aubrey Lesaso, o solofeditse banni ba Shoshong, Tobela le Bonwapitse fa a tlaa ba etelela pele ka therisano, tirisano mmogo le poifo Modimo. Rre Lesaso o buile se fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo bosheng. O kopile banni go seegela fa tlhoko dipharologano tsa bone tsa sepolotiki mme ba thuse go tlhabolola motse wa bone. Rre Lesaso o lebogetse sebaka se banni ba kgaolo ya Shoshong ba se mo neetseng go ba etelela pele mme a ba solofetsa kemedi ya motia kwa palamenteng. O supile fa kgaolo e saletse kwa morago mo ditlhabololong jaaka ditlamelo tsa botsogo le tshireletsego mme a kopa gore morafe o tshwaraganele go tlhabolola motse. A re o tlaa itebaganya le ditsela tsa Shoshong ka a na le dithutego tse di haphegileng mo karolong eo. Mopalamente Lesaso o kaile fa a na le mogopolo o o pharologano le mothale o o dirisitsweng mo ditseleng tse di tsenang mo Shoshong wa go dirisa ditena o a supileng fa o sa siamela kgaolo e e tshabelelwang ke merwalela. “Go dirilwe dinokana ka ditsela tse tsa ditena, ga o kake wa dira tsela o sa e direla fa metsi a tswelang teng kana fa a fetang teng,” Rre Lesaso a tlhalosa. O boleletse banni ba Shoshong fa motse wa bone o tshwanelwa ke go tlotlomadiwa ka gore o na le ditso tse di humileng tse di tlhabolotseng lefatshe, a kaya fa ditso di tlhalosa gore fa makgowa ba tla mo Botswana mabapi le dipapadisano ba tswa kwa Cape Town, ba ne ba kopanela kwa Shoshong. A re go a gakgamatsa gore e re Shoshong a na le palo ya batho e ka tshwara 20 000, banni ba bo ba santse ba latela ditirelo dingwe kwa Mahalapye. A re Shoshong o lekane gore diofisi tsotlhe tsa ditirelo tsa puso di bo di fitlhelwa teng. Mopalamente Lesaso o supile matshwenyego ka seemo sa thuto kwa kgaolong ya Shoshong mme a itlama go se emela ka dinao. A re sekole sa Shoshong senior ke matlhabisa ditlhong ka bana ba robala mo malaong a a senang materase, selo se a supileng fa e le sekgoreletsi mo maikaelelong a go ntsha maduo a mantle mme a kopa batsadi go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana. O kopile batsadi go kgalema bana mme ba ba senang tsebe ebile ba senya kwa sekoleng ba tlaa isiwa fa pele ga magosi le mapodisi. O solofeditse banni ba Shoshong fa a tlaa lwa ka gotlhe go netefatsa gore sengwe sa dikole tse di kgolwane tsa kgaolo se nne le boroko jwa bana go hema seemo se batsadi ba iphitlhelang ba le mo go sone ba romela bana kwa dikoleng tse di kgakala le bone. Rre Lesaso o solofeditse fa ofisi ya gagwe e tlaa dira ditshekatsheko go tsenya leitlho bagodi ba ba nnang ba le nosi, go bona gore a botsogo jwa bone ke jone, a ba tshela sentle, ba ja sentle ebile ba na le bonno jo bo siameng. Rre Othusitse Mogale wa kgotla ya Bokaa o ne a ikuela mo go mopalamente gore fa e sale Tlhakole ngogola kgopho ya metsi a a leswe go tswa mo matlong e sa tsamae sentle mme phetolo e ba e newang ke gore metshini ga ise e siame. O dumalane le mopalamente gore go dira tsela ka ditena ga go a siamela motse. Monana Mme Joyce Kgosimore ene o supile fa a itumeletse maitlamo a mopalamente mme a tlhalosa fa ba itse fa e se sengwe le sengwe se se ka kgonagalang mme a mo kopa go bereka le banana ba kgaolo ba ba kwa ditoropong go tlhabolola motse. religion_and_belief 8 Banana ba thusa go lwantsha malwetse Banana ba mokgatlho wa Divine Envoys wa kereke ya Seventh Day Adventist ba tsweletse ka go gasa molaetsa wa go ja dijo tse di faphegileng go thibela malwetse a tshwana le a madi a matona. Mo potsolotsong bosheng, moeteledipele wa mokgatlho oo Rre Brian Samoka o tlhalositse fa mokgatlho o e le wa basha ba ba tsenang dikole tsa ithutelo ditiro mme e bile ba itlamile go fa Batswana lesedi la ka fa ba tshwanetseng go ja ka teng go fokotsa le go lwantsha malwetse a a tsweletseng ka go gatelela Batswana ka bontsi, segolo jang a a bakiwang ke go sa jeng dijo tse di siametseng mmele. Mo leetong la bone kwa Masunga, Rre Samoka o tlhalositse fa ba ne ba bona go tshwanela e le banana ba mokgatlho oo go amogana melaetsa ka thibelo ya malwetse ao le banni. A re bolwetse bo tshwana le jwa madi a matona le jone tota jwa madi a mannye ke mangwe a a borai a a ka felelang a gapa matshelo a batho, ka jalo a re ba itlama go dira pharologanyo mo lefatsheng leno go fokotsa dipalo tsa dintsho tse di bakiwang ke dijo tse di sa itekanelang. A re ba tsamaile mafelo a le mmalwa a akaretsa Ikoga, Lerala le Mmanoko ba gasa melaetsa eo mme go ya ka Rre Samoka ba setse ba dirile thero tsa phatlalatso di le pedi mo motseng wa Masunga tse ba neng ba gasa molaetsa wa botsogo gammogo le mantswe a Modimo. A re o solofela fa mafoko otlhe a ba a amoganeng le setshaba a tla wela mo mmung oo nonneng, e bile a tla dirisiwa ka fa tshwanelong. E re ka go iwa mo malatsing a boitapoloso a botsalo jwa morena le ngwaga o mosha, Rre Samoka a re bontsi jwa Batswana ba ja ba sa ikele tlhoko. A re bontsi gape bo nwa dinotagi phetelela gammogo le go ja dijo tse di sukiri le mafura a mantsi ba lebetse gotlhelele ka merogo le maungo. Rre Samoka a re ba leka ka bojotlhe go rotloetsa ditshingwana mo malwapeng segolo jang tsa merogo le maungo. Mongwe yo o lebaganeng le tsa botsogo mo komiting eo, Mme Atlegang Mokgedi a re o eletsa thata go bona Batswana ba dirisa molaetsa o ba o kgaoganeng le bone go iphemela mo makoeng a a bakwang ke go sa jeng sentle. Mongwe wa leloko la mokgatlho oo, Rre Olebile Samoka o tlhalositse fa a tshwentswe thata ke maitsholo a banana ka bontsi bo ipeile fela mo dinotaging ba sa inaakanye le Modimo ka e le ene fela tsela le boammaaruri. A re bontsi jwa banana ga bo bereke ka jalo ba ka bo ba tshepha Modimo, ka e le ene fela a ka rarabololang mathata a ba kopanang le one. Rre Osego Merafhe a re o solofela gore molaetsa o ba o gasitseng o tla fetola dilo di le dintsi, segolo jang mo morafeng wa motse wa Masunga ka e bile bosheng motse oo o tshegeditse segopotso sa letsatsi la HIV/AIDS. A re o dumela gore dithuto tse ba di amoganeng le banni di tla thusa le ba ba amilweng ke mogare ka go ba fa mafoko a kgomotso gammogo le go ba kaela ka fa ba tshwanetseng go ja ka teng, e le tsela nngwe ya go thusa mebele ya bone go lwantshana le mogare.BOKHUTLO religion_and_belief 8 Tshwene o itshetsa ka mofufutso wa phatla Monni mongwe wa Shoshong, Rre Dikokole Tshwene a re ene o dumela gore talente e motho a nang le yone fa e dirisiwa sentle e ka tokafatsa botshelo jwa mong wa yone. A re temo le thekiso ya ditlhare e a e simolotseng dingwaga tse di masome a mabedi tse di fetileng, di tsisa botsogo le botshelo mo go ene ka e bogadi bo gaufi, e bile ga e mo lope madi a a kalokalo. “Ga ke dirise sepe se se rekwang, mmu ke o tsaya mahala, le peo e ke e lemang ke e sela mo nageng kgotsa ke baya tsa maungo a ke a rekileng ke bo ke lema tsone, metsi ke one fela a ke a duelelang,” a tlatsa ka gore fa dipula di na o a beeletsa. Rre Tshwene o lema ditlhare tse di farologaneg di akaretsa tsa naga jaaka jakaranda, roses, elephant tree, monepenepe, le maungo a tshwana mango, guava, popo, perekise le moretlwa wa sekgoa. Fa go tla mo go tsa thekiso le go ipapatsa, Rre Tshwene a re ga gona letsapa le mo fisang pelo ka banni ba setse ba itse ka kgwebo ya gagwe, e bile ka ditlhare tsa gagwe di kgatlhisa ka dinako tsotlhe, banni ba bolelelana ka ga ene mme ba tle go reka. 'Bangwe ba na le nomore ya me ya mogala, ka jalo ba a nteletsa go tsenya dikopo tsa go tsisediwa ditlhare, mme ke dire jalo ka ke le boikanyego,' a bua jalo a nyenya. Tiro ya go betla yone a re o e etse sekoleng, mme fela jaaka ya go lema ditlhare o e tsaya jaaka talente e a e filweng ke Modimo 'ka tota e le ene mothatiyotlhe, e bile dikitso le botlhale di tswa kwa go ene.' A re o tsenya ceiling ya legong e a e kgabisang go ya ka fa yo o tsenyediwang a batlang ka teng, o tsenya gape dikobotlo tsa mo ntlwaneng ya boapeelo tse a di direlang banni ba mo Shoshong le ope fela yo o mo hirileng. 'Ga ke na molekane fa go tla mo go tsenyeng le go kgabisa ceiling ya legong ya tlhwatlhwa, ba ba nkitseng ba mpoka ba re 'a naturally gifted graphic designer ka puo ya seeng.' E re ka go itirela ka diatla tsa gagwe go mo tshetsa, Rre Tshwene a re thotloetso ya gagwe mo setshabeng ka kakaretso ke gore ba dirise ditalente tsa bone go itshetsa, ba latlhe mowa wa go batla go hirwa, a gatelela gore diphatlha tsa mmereko ga di sa tlhole di le teng jaaka bogologolo. Bokhutlo society 9 Boshwaen o rotloetsa barui Mogolwane wa Botswana Innovation Hub, Rre Alan Boshwaen o rotloeditse barui go inaakanya le maranyane go tokafatsa ditsamaiso tsa go rua. O buile jaana kwa merakeng ya Moleleme gaufi le Samane kwa barui ba kgaolo ya Borwa ba neng ba kgobokanetse teng go abelana megopolo ya thuo. Bokopano joo bo ne bo rulagantswe ke ba Beef Farmers Association ba kgaolo ya Borwa, ka fa tlase ga setlhogo se se reng; Go Oketsa Dipoelo ga Barui ba Mafulo a a Tlhakanetsweng’. Rre Boshwaen a re thuo ya dikgomo ke seikokotlelo sa matshelo a Batswana le itsholelo ya Botswana, ka jalo go botlhokwa gore ba tswelele ba kopa mekgwa ya maranyane kwa mafatsheng a mangwe a a setseng a gatetse pele. A re se se ka thusa go nonotsha boleng jwa leruo le go oketsa dipoelo tsa barui. A re e re ntswa go setse go na le maranyane mangwe a a dirisiwang mono, nngwe ya dikgwetlho tse di teng ke go dirisa motlakase wa marang a letsatsi go pompa metsi, go a tlhatswa gammogo le go dirisa motlakase oo mo malwapeng. A re motlakase wa marang a letsatsi o siametse thuo ka jaana o le tlhwatlhwa e kwa tlase fa o tshwantshanngwa le metswedi e mengwe ya motlakase. O boletse gore ba ikgolagantse le ba Botswana Bureau of Standards go sekaseka boleng jwa didirisiwa tsa motlakase wa marang a letsatsi go bona gore ke tsa maemo a ntlha. A re se ke tsela nngwe ya go netefaletsa le go rotloetsa barui gore ba inaakanye le tiriso ya motlakase oo. Mo godimo ga moo, Rre Boshwaen o kopile barui gore ba supe dikitso tsa setso tse di farologanyeng go tle go sekasekwe gore a di ka dirisiwa mo maranyaneng a go tokafatsa thuo ya dikgomo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Tshwaane Bakery e leboga puso Setlhopha sa bomme ba le bane ba ba ikopantseng go dira madirelo a borotho a Tshwaane Bakery ba leboga puso go nna le seabe se segolo mo kgolong ya kgwebo ya bone ka go ba rekela didirisiwa tsa borotho ka lenaneo la nyeletso lehuma. Setlhopha se, se tlhalosa gore pele ga se fiwa lenaneo la nyeletso lehuma go ne go se motlhofo go ka tsamaisa kgwebo, mme e rile puso e sena go lemoga maiteko a sone ya ba rotloetsa ka nyeletso lehuma gore ba tsweledise kgwebo e e tsweletseng sentle mo nakong ya gompieno. Fa a bua mo potsolosong le BOPA, moeteledipele wa setlhopha sa Tshwaane Bakery, Mme Kebitsang Balotlheng, a re ba filwe lenaneo la nyeletso lehuma ka 2012 mme ba ne ba isiwa dithutong tsa go apaya borotho gammogo le tsa go tlhokomela kgwebo. Maloko a mangwe a setlhopha se ke bomme Gakebojese Mokoduwane, Kebosentse Kaithoba le Molefi Modise. A re ba ikgaogantse ka ditlhophana tse pedi go apaya ka malatsi a mabedi a a farologaneng mo bekeng. Mme Balotlhegi a re dithuto tsa kgwebo di ne tsa ba solegela molemo ka ba ne ba sa itse sepe gore a go botlhokwa gore kgwebo e nne le melao e e tlaa e tsamaisang gammogo le go nna le dibukana tsa go kwala gore e tsweletse jang. O tlhalositse gore ba ne ba nna lesego thata ka go fiwa tiro ya go apeela sekole se sebotlana sa Tshwaane mapakiwa go simologa ka 2012 go fitlha mo nakong ya gompieno, mme seo se ne sa ba tiisa moko le go feta. A re madi otlhe a dipoelo ba a baya kwa bankeng, mme e re fa ba tlhoka go reka dilo dingwe tsa kgwebo ba tsee bontlha bongwe mo go one. A re polokelo ya madi kwa bankeng e mosola mo kgwebong ka ba sa bape le madi, mme seo se dira gore ba seka ba a dirisa botlhaswa. A re ntswa ba tsweletse sentle, ba kopana le dikgwetlho jaaka tlhaelo ya metsi, mme seo se dire gore ba pake a pula mo ditankeng. O tlhalosa gore kgwetlho ya letlhoko la metsi e isa kgwebo ya bone kwa tlase ka gore fa a seyo, ga ba theogele sentle. Mme Balotlhegi a re kgwetlho e nngwe ke letlhoko la motlakase, Ka jalo ba tlamega go dirisa gase le dikgong mme di a ba turela. A re gape borotho bo tlhokana le menatetsho e e tshwanang le jeme, mme e tlhoka setsidifatsi. O boletse gore maikaelelo a bone ke go bona ba na le marekisetso a borotho a a ikemetseng e bile a na le setsha sa kgwebo gammogo le go apaya marotho a a farologanyeng. A re gape ba eletsa go bona madirelo a godile gore a tlhame diphatlha tsa mebereko. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ba batla go bona dipuisano ka tlhamalalo Banni ba kgaolo ya botlhophi ya Francistown Botlhaba ba re ba eletsa go bona baemedi ba bone ba gasiwa mo thelebishineng ya setshaba ka nako ya palamente e tsene. Ba buile seo kwa kgotleng ya Donga ka Laboraro mo phuthegong e e neng e buisiwa ke motsamaisa dipuisano tsa palamente, Mme Gladys Kokorwe. Mokhanselara wa kgotla ya Satellite Bophirima, Rre Godisang Radisigo, o tlhalositse fa seo se le botlhokwa mo go bone ka bangwe ba sena madi a go palama ba ya palamenteng, a tlatsa ka gore le fa ba ka nna le sebaka sa go tsamaya, sebe sa phiri ba ya go tlhoka bodulo ntateng ya mosuke. A re go dira jalo e tlaa bo e le go fokotsa mosuke o o fitlhelwang kwa palamenteng ka nako ya palamente ga mmogo le go fokotsa ditshenyegelo tsa go palama. Rre Radisigo a re fa ba sa kgone go e gasa, bogolo ba e tshwantshe mme e tshamikiwe ka le le latelang. Fa a tswa la gagwe Moruti Buti Butale o tlhalositse fa nako e gorogile ya gore tsamaiso ya diofisi tsa mapalamente di fetolwe ka jaana go nna le sepolotiki se sentsi teng. A re o eletsa gore badiri ba yone ka e le badirelapuso ba nnele ruri go na le gore e re yo o fenyang mo pusong a bo a iphirela batho ba gagwe. Moruti Butale a re palamente e fetole melao e kgone go tseela mapalamente dikgato fa ba sa itshware sentle mo palamenteng. Mongwe wa banni, Rre Mpho Leladi o kopile gore go busediwe palamente ya banana ka jaana ba tswa kgakala ba na le kgatlhego mo sepolotiking. Fa a araba, Mme Kokorwe o boletse fa e le keletso ya puso gore dipuisano tsa palamente di ka gasiwa mo BTV mme mathata ke letlhoko la madi. A re go gasa go lopa madi a mantsi a ba ka se kakeng ba a kgona mo nakong ya gompieno. Motsamaisa dipuisano a re modiri mo ofising ya mopalamente o thusa batho ka go lekalekana a sa sokamela ntlheng epe e bile ga se lepolotiki ke modirelapuso. O ne a kgothatsa setshaba go dirisa ofisi ya mopalamente e e mo kgaolong a re ofisi eo ga e amane ka gope le sepolotiki ka jalo setshaba se tshwanetse sa phuthologa go e dirisa go kopa dikgakololo ka go farologana. Mme Kokorwe, a re go botlhokwa gore Batswana ba nne le seabe mo mererong ya palamente, a tlatsa ka gore ba tshwanetse go itse ka tsamaiso ya palamente gore sepe se se dirwang ba bo ba na le kitso e bile seabe sa bone e le se se bonalang. politics 7 Kgaolo e tlaa bona ditsela tse pedi Mopalamente wa kgaolo ya Thamaga-Kumakwane yo e bileng gape e le tona mo lephateng le lesha la khiro, pereko le tlhabololo dikitso Rre Tshenolo Mabeo a re banni ba kgaolo ya gagwe ba lebogetse gore kgaolo e tlaa direlwa ditsela di le pedi mo ngwageng ono wa madi ka lenaneo la go tsosolosa itsholelo (ESP). Mopalamente o buile se mo diphuthegong tsa kgotla ko metseng ya Gakgatla le Thamaga Bophirima fa a ne a lekola banni ba kgaolo ya gagwe. Fa a tlhalosa, mopalamente a re, puso e ne e akantse go dira ditsela di le masome mane le bobedi ka lenaneo la ESP mme ka ntlha ya tlhaelo ya madi puso ya tsaya tshwetso ya gore go tlaa dirwa ditsela di le lesome le bone fela. Le fa go ntse jalo a re, kgaolo ya gagwe e nnile lesego go bo puso e rebotse gore mo go tsone tse di le lesome le bone tse di tlaa dirwang, ditsela di le pedi di wela mo kgaolong ya Thamaga-Kumakwane. A re nngwe mo go tsone ke tsela ya Kubung. Rre Mabeo o kaile gore le fa ntswa bangwe ba ngongoregela gore tsela eo, ke tsela ya masimo o tlhalositse gore tsela eo, e tlaa tsosolosa mohama wa temo-thuo le gone go fetlha maiteko a go ntsha dijo ka bontsi ka tsela e tlaa tlhofofatsa gore ditswa tshimong di goroge ka bofefo ko mmarakeng. A re tsela e nngwe e banni ba tlaa e akolang ke ya Mogoditshane-Gabane-Mmankgodi e e tlaa dirwang e le mela mebedi. A re tsela eo, e tlaa fefosa mosepele wa batho ba ba berekelang ko Gaborone le gone go fokotsa mosuke mo tseleng e tona ya A10. Mopalamente o ne gape a tsibosa banni ka tshwetso e e tserweng ke puso ya go fetola molao wa tsamaiso ditlhopho go lere tsamaiso e ntsha ya go tlhophisa ka mochine wa maranyane (EVM). O kgothaditse banni gore ba seka ba itetla go tsiediwa ke bao ba ba kgatlhanong le tiriso ya maranyane a, ka e le nngwe tsela ya go fefosa tsamaiso ya ditlhopho. Banni ba motse wa Gakgatla ba ne ba boditse mopalamente ka tsela ya Gakgatla-Gamodubu e ba sa bolong go e solofediwa gore a ba tlaa e bona. Bangwe ba banni ba boleletse tona gore ditiro tsa ESP di akolwa fela ke dikompone ka gore le fa ba thapa batho ba ba amogedisa madi a a ko tlase. Mme Ithapeleng Makhupe le ene o gateletse gore letlhoko la ditiro le ile magoletsa e bile go lebega puso e lebetse batho ba dingwaga tse di fa gare. politics 7 Lerala o ngongorega ka ditlhabololo tse di sa dirweng Banni ba Lerala ba ngongorega ka ditiro tsa ditlhabololo tse ba reng ba ne ba di solofeditswe mme ba sa tlhole ba itse gore di tsamaya kae segolo jang kago ya kokelo. Ba buile se kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamentewa wa kgaolo ya Lerala/ Maunatlala, Rre Prince Maele bosheng. Ba re puso e ba solofeditse kokelo, diofisi tsa khansele le tsa sepodisi mme nako kgolo ke eno. Mokhanselara wa Lerala Bophirima, Rre Gabagopolwe Sebele, o ne a supa ngongorego ka boutsana jwa ditiro tsa ditlhabololo. A re ditlhabololo tse ba sa bolong go di lopa jaaka kokelo di tsene ka lenga la seloko mme ga go tlhalosege sentle gore di ka tswa di ile kae. Mo go tse dingwe, Rre Sebele o ne a supa ngongorego ka madi a a fiwang dikgaolo. A re madi ao a P10 million a ne a kgaogantswe go ya ka metse ka go farologana mme ya nna P625 000 motse mongwe le mongwe ka jalo fa go dirwa ditlhabololo dingwe a a tlhaela. A re kgaolo ya Lerala/ Maunatlala e tshwanetse go buisanya gape gore ba seka ba kgaoganyamadi ao jaaka ba ne ba a kgaogantse mme ba a tsee ba dire ditlhabololo tse di ka ba sologelang molemo e le kgaolo. Le fa go ntse jalo, Rre Maele o ne a bolelela banni ba Lerala faTautona le tona wa Botsogo le Boitekanelo ba itse ka kgang ya kokelo. O ne a itsise banni fa a setse a buisantse le tona wa botsogo ka kgang ya bone ya sepatela mme a ba solofetsa fa a tla a tla mo motseng wa bone go buisanya ka kgang e pele ga kgwedi ya Tlhakole e wela. Mo go tse dingwe, banni ba ne ba kopa gore kokelwana ya bone e thusiwe ka koloi le gone go thusiwa ka dipilisi le melemo. Ba re go na le tlhaelo e ntsi ya dipilisi le melemo mme bangwe ba felela ba pelelwa ke go di ithekela ntateng ya letlhoko la madi. BOKHUTLO health 6 MAPODISI GA BA JESIWE DIWELANG KE BATHO BA BA TLOLANG MOLELWANE Mookamela mapodisi a Bokspits, Superintendent Berman July a re ga ba jesiwe diwelang ke batho ba ba tlolang molelwane ka bokukuntshwane mo nakong e ya segajaja sa mogare wa Corona. Mo puisanyong le O tlhalosa gore mo tiragalong ya ntlha monna wa dingwaga tse di masome mabedi le bone wa Vaalhoek, o ne a tshwarwa ke mapodisi kgwedi eno e le lesome le bobedi. A re mapodisi ba ne ba kgaodisa motlhala wa monna yoo fa a tlola terata ya molelwane go ya Afrika Borwa, mme ba mo latedisa go fitlhelela kwa a ileng teng. Supt July o boletse fa monna yoo a boleletse mapodisi fa a ne a ya go tsaya nama kwa masikeng a gagwe kwa lefatsheng leo. Mo tiragalong ya bobedi, Supt July o boletse gore monna wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabobedi wa Bokspits le ene o ne a tshwarwa fa a tlolela terata ya molelwane go ya Afrika Borwa. Monna yo go bolelwa fa a supile fa a ne a ile go neela mmaagwe ngwana wa gagwe karata ya gagwe ya banka go ithusa ka yone. Supt July o boletse fa banna bao ba ne ba lefisiwa sekete sa dipula mongwe le mongwe wa bone ka molato wa go tlola terata ya molelwane ka bokukuntshwane. A re banna bao, ba ne ba rolelwa ba lephata la botsogo le boitekanelo go isiwa kwa kwarantining. Le fa go ntse jalo, Rre July o akgotse banni ba kgaolo ya gagwe go bo ba tsere molaetsa sentle wa go ikgapha kwa malwapeng le go katologana. E re ka go na le metse e le mentsi e e bapileng le molelwane wa Afrika Borwa, o ne kopa setshaba go emisa go tlola terata, ka seo se ka felela se anamisa mogare wa Corona. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 IBRANCH e tlhofofatsa go batla tiro Mookamedi wa khamphani ya iBRANCH Rre Tshepiso Leinane o kopile banana go ikemela ka dinao go batla ditiro ka e se botlhe ba ba ka thapiwang ke puso. O buile jaana kwa thuto-puisanyong e ba neng ba e rulaganyeditse banana kwa Serowe bosheng. Rre Leinane a re moono mogolo wa khamphani ya bone ke go batlisa banana ditiro go sa kgathalesege gore ke kwa ntlheng e fe ya lefatshe. O bile a supa gore maranyane a bone ga a tsenye sengwe le sengwe jaaka a boFacebook, mme go tsenngwa dikgang tsa ditiro fela. Moeteledipele yo, a re khamphani ya bone e setse e batletse Batswana ba feta lekgolo ditiro. O ne a supa gore khamphani e, e a supileng e le ya ntlha mono, e kwadisitswe sentle le ba lekalana la CIPA. A re iBRANCH e simolotse go dira mono Hirikgong, a tlhalosa fa e fitlhelwa mo mafatsheng a mangwe jaaka kwa Indonesia, Canada, Nigeria, Kenya, Syria, South Africa le Ghana. Rre Leinane o ne a a rotloetsa batho ba ba neng ba tsenye puisanyo eo go ikemela ka dinao le go ikwadisa mo maranyaneng a iBRANCH gore ba tle ba kgone go ipatlela ditiro tse di kwa ntle le mo gae. Mongwe wa batho ba ba neng ba tseneletse puisano eo Rre Kabelo Modise o ne a botsa ba khamphani eo gore ba netefaletsa Batswana go le kae gore ditiro tse di tlaa bong di ntshitswe mo maranyaneng a bone ke dilo tsa nnete. E rile a araba, Rre Leinane a re mo maranyaneng a bone ba netefatsa gore ga go ope yo o ka bapatsang sepe mo maranyaneng a bone a sa ikwadisa le bone e bile ba sa mo rurifatsa. END economy_business_and_finance 3 Balemi ba tlaa ora molelo wa mariga Balemi ba merogo le maungo ba Kgaolo ya Legare ba tla ora molelo wa mariga mono ngwaga, morago ga tlhaloso ya ba Botswana Horticultural Market ya gore ba ya go ba husa go bapatsa ditswa temong tsa bone, go ba batlela bareki, le gone go ba di isetsa kwa mabeelong kwa Gaborone. Mafoko a, a builwe ke mogolwane mo lekalaneng la ipapatso ya maungo le merogo go tswa kwa Gaborone, Rre One Maswabi mo dithuto-puisanong tsa balemi ba merogo le maungo mono Palapye bosheng, tse maikaelelo a tsone e neng e le go go tla ka megopolo e e ka godisang balemi , go seka seka dikgoreletsi tse ba kopanang le tsone le go tla ka ditharabololo tsa tsone. Balemi ba ba neng ba tsene dithuto-puisano tseo, ba ne ba tswa mo Kgaolong ya Legare yotlhe fela. Rre Maswabi a re morago ga ditshekatsheko tse di tseneletseng, ba ne ba lemoga fa ditswa temong bontsi di tswa mo Kgaolong ya Legare mme di sena kwa di rekisiwang teng sentle. A re seo, se ne sa ba gwetlha go bona gore balemi ba ka thusiwa jang, a supa fa ba tla oketsa mabolokelo ka go aga kwa Lobatse le Francistown go tlaleletsa mo go a ntseng a le teng a Gaborone. O kopile balemi go ba itsise nako e sale teng ka tse ba eletseng go di rekisa gore ba batle bareki. A re fa dithoto di bapaditswe ka nako , ga di a tshwanelwa go bewa mo mabolokelong, di tshwanetse go fitlhela bareki ba di emetse. O ne a re ke maikaelelo a lekalana la gagwe go batla marekisetso kwa ntle ga lefatshe leno jaaka kwa Angola le Swaziland, mme a gatelela botlhokwa ja go tlhopha merogo le maungo ka fa tshwanelong, go nna le mokwalo o o lolameng mo dikgetsaneng tse di tsentseng ditswa temong le gone go di tsenya ka tshwanelo mo dikgetsaneng . O ile a gatelela botlhokwa ja boleng ja ditswa temong a re, ke jone bo ka dirang gore di ipapatse. Mogolwane mo Lekalaneng le le laolang Kgwebo/Phadisano Rre Enerst Bagopi go tswa kwa Gaborone a re kgwebo phadisano e itebagantse thata le dikgwetlho tsa setshaba, ka go aga boleng ja itsholelo ka tekatekano go remeletswe mo phadisanong e e gololesegileng. Rre Bagopi a re ke tshwanelo ya mogwebi yo mmotlana le yo motona go fiwa sebaka sa go phadisanela ipapatso ka tekatekano, a tlatsa gore seo mogwebi o ka se kgona ka botsipa ja go ntsha ditswa temong tsa boleng jo bo kwa godimo. A re mo letlhakoreng le lengwe, go fa moji moreki sebaka sa go itlhophela se a bonang se tshwanetse go ka rekwa, a lebeletse boleng. Rre Bagopi o ne a supa fa lekalalana la gagwe la Kgwebo/ Phadisano le sa laole ditlhwatlhwa mme l e rotloetsa batho go phadisanela marekisetso ka go ntsha dijalo tsa boleng jo bo kwa godimo , le gone gore mongwe le mongwe o gololesegile go ka rekisa ka tlhwatlhwa e a e batlang, mme a sa je Batswana ntsoma. Ene ya re ba akgela, balemi ba supa fa ba tlhoka go atumediwa mabolokelo, jalo ba kopa gore a go akantswen g gore a agiwe kwa Lobatse, a fudisediwe mo Palapye ka go lemogilwe fa Kgaolo ya Legare e le yone e ntshang temo e e ntsi. Rre Bonolo Maikano ene, one a supa fa ba diegelwa ka dituelo ke bora-mabenkele a a rekang ditswa temong tsa bone. O supile puso ka monwana a re le mo nakong eno e santse e tsaya lebaka go ba duela, a tlaleletsa ka gore go fiwe batho ba ba farologaneng sebaka go rekisetsa dikole eseng gore e nne motho a le mongwe fela. Mme One Kabelo o ne a supa fa ba sena dikoloi tsa ditsidifatsi go rwala dithoto tsa bone, mme a re fa mabolokelo a ne a ka ba atumela, dithoto tsa bone di ne di ka goroga di sa utlwa botlhoko. O supile gape gore ba masimo a Talana ke bone ba tlatsang mabolokelo, a re kgang eo e sekasekwe gore le bone ele balemi ba ba botlana ba kgone go rekisa. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Batswana ba tshwanetse go tshwaraganela go lwantsha mogare Kgosi ya Thabala, Rre Arbel Kgaboyarona, o rotloeditse Batswana go ititaya ka thupana mo go fediseng mogare wa HIV. O buile seo kwa letsatsing la segopotso sa ba-na-le-mogare bosheng kwa Thabala. Kgosi Kgaboyarona o tlhalositse fa mogare wa HIV e le mathata a setshaba sotlhe ka jalo se tshwanetse go tshwaraganela go lwantsha mathata a. O tlhalositse gape fa puso e dirisitse madi a mantsi mo maitekong a go lwantsha HIV. “Puso e dirile fa e dirileng teng jaanong rona re tshwanetse go thusa fa a tlhaetseng teng,” ga tlhalosa kgosi. Kgosi o rile banana ke bone ba ba amiwang thata ke mogare o, mme gape e le bone ba ba maoto a tshupa go inaakanya le mananeo a a itebagantseng le go lwantsha mogare. “Go a rutiwa mo dikokelwaneng mathata banana ba ditlhogo di thata, gongwe re kabo re setse re feditse bolwetse jo,” ga bua Kgosi Kgaboyarona. A re borre ba na le mogopolo wa go tshaba go itlhatlhoba mme ba itlhatlhoba ka mduo a bakapelo ba bone. O rotloeditse borre go intsha kwa morago mme ba itlhatlhobe le bakapelo ba bone. Mokgothatsi Rre Badiredi Setlaelo, o rotloeditse batsadi go bua le bana ba bone ka bodiphatsa ja mogare o. A boa a kgothatsa banana ba ba tshelang ka mogare jaaka ene go tsaya kalafi ya bone ka dinako tsotlhe ka nako e e beilweng. health 6 Dikgang tsa tlhalano di golela pele Kgosi mo kgaolong potlana ya Tutume, Kgosi Jenamo Magapatona a re dikgang tsa go kgaogana ga banyalani, segolo thata mo bananeng di ile magoletsa. Kgosi Magapatona o buile jalo mo potsolotsong, a tlhalosa fa go lemosegile fa banyalani bangwe ba tsena mo lenyalong ba ise ba wetse mogopolo mme ba felele ba palelwa ke go itshokela dikgwetlho tsa lone. Kgosi Magapatona a re go botlhokwa gore banyalani ba itshekatsheke ba bo ba dumalane ka tse di ba amang pele ba ka tsaya tshwetso ya go tsena mo lenyalong. A re mangwe mabaka a a tlhotlheletsang kgaogana e, ke go bo bangwe ba tsena mo lenyalong ka maikaelelo a papadi ba lebeletse dithoto tsa yo mongwe ntswa go sena lerato. Kgosi Magapatona a re go botlhokwa gore lenyalo le agelwe mo leratong e seng papadi, a tlatsa ka gore go dira jalo banyalani ba ka kgona go tshegetsa manyalo a bone e bile ba ka emela dikgwetlho tse di ka tlhagogang. O gakolotse banyalani, bogolo jang basha go kopa thuso fa ba lebanwe ke dikgwetlho, a tlatsa ka gore neelano, boineelo, bopelotelele therisano ke dingwe tse di ka thusang go hema kgaogana. Kgosi Magapatona o supile gape fa morero mo lenyalong o le botlhokwa e bile o tshwanelwa ke go salwa morago. A re morero o thusa go sidila banyalani maikutlo gape o dira gore ba tlhaloganye ba bo ba nne le kutlwisisano le tshepo mo lenyalong. Mo go tse dingwe, Kgosi Magapatona o supile fa a sa itumedisiwe ke bangwe ba ba ikopelang ditsha tsa kgwebo, bonno le masimo mme e re ba sena go di abelwa ba di rekise. Kgosi a re go a ama gore e re lefatshe le tlhaela jaana, bangwe e bo ba gweba ka lone. A re bone ba ba rekisang lefatshe, ke bone gape ba ba felelang ba tlhoka fa ba nnang teng e bile gape ba ngongorela gore go tsaya lobaka gore go abiwe ditsha. Go sale foo, Kgosi Magapatona o supile fa dikgang tsa go lwela dithoto tsa boswa e le kgwetlho. A re ba tsweletse ka go amogela dikgang tsa mofuta o, a tlhalosa fa go tlhoka go nna le keletso ya go iperekela bogolo jang ga banana go tsala dikgang tse. A re bangwe banana ga ba na keletso ya go itirela sepe fela mo botshelong ka ba gabile gore ba tla a tsaya dithoto tsa batsadi ba bone. Kgosi o supile fa nako e gorogile ya gore Motswana mongwe le mongwe a tseye mananeo a a farologaneng a puso go itirela bokamoso jo a ka itshetsang ka jone. Bokhutlo society 9 Thuto ya diatla konokono Baithuti ba feta makgolo a mane go tswa mo dikoleng di le masome mararo le botlhano tsa ithutelo tiro ya diatla ba alogile bosheng mo moletlong o o neng o tshwaretswe mo Gaborone. Fa a tswa lefoko la kgothatso, tona wa lephata la phiro, tokafatso bodiredi le tlhabololo dikitso, Rre Tshenolo Mabeo a re dialogane di tsee dikitso tsa tsone ka tlhoafalo ka jaana ithutelo tiro ya diatla e nnile le seabe se segolo mo go fetoleng itsholelo lefatshe ka bophara. O rotloeditse ba dikgwebo go thapa dialogane mme gore ba bone bontle jwa diatla tsa bone ke gore ba ba duele sentle. “Ke lo rotloetsa gore tsamayang lo tswele kwa ntle, lo tlale leswe lo dire tiro, go batlhatlheledi, aroganang le bone dikitso tse di maleba gore re nne le mophato o re ka ipelang ka one,” ga bua Rre Mabeo. O kopile bathapi go fa dialogane sebaka sa go ithutela tiro ka lephata la gagwe le ka seke le fitlhelele maitlamo ao le le losi. Tona Mabeo o tshepisitse bokopano joo fa lephata le direla mo nakong go netefatsa fa ithutelo tiro ya diatla e tlaa bewa mo maemong a a lolameng. “Nnang tlhaga.Puso e e lemoga botlhokwa jwa thuto ya diatla. Ka jalo ke filwe tiro ke Tautona e e amanang le thuto ya tiro ya diatla. Ka jalo nnang le tlhwaile tsebe,” a tlatsa. Sebui sa tlotla, mookamedi wa Assignments Unlimited, Rre Nic Janse Van Rensburg a re tsholofelo ya gagwe ke gore lephata la phiro, tokafatso bodiredi le tlhabololo dikitso le bagwebi ba bereke mmogo gore dialogane di fitlhelele toro ya tsone. A re dialogane tse di ithutetseng tiro ya diatla di na le seabe se segolo mo go tokafatseng itsholelo ka e le bone ba dirang tiro e ntsi kwa madirelong. A re dikitso tse ba di amuleng di ka ba thusa go bona ditiro mme le fa ba sa di bone ba di itlhamele ka jaana go se ope yo o ka tsayang dikitso mo go bone. A re fa ba le mo letsomong la ditiro ba lebe le kwa ntle ga Botswana. Fa a tswa la gagwe, mokwaledi mo lephateng la phiro, tokafatso bodiredi le tlhabololo dikitso, Mme Pearl Ramokoka a re maikemisetso a lephata ke go alosa dialogane tsa boleng. A re ba nna ba butse matlho ka nako tsotlhe go leka ka bojotlhe go bona se mmaraka o se batlang. economy_business_and_finance 3 Ba kgothaditswe go apara mebala ya Botswana Banni le babereki ba kgaolo ya Kgatleng ba kgothaditswe go apara mebala ya lefatshe leno. Mafoko ao a builwe ke Mme Motlhagodi Molomo kwa moletlong wa go bala malatsi a ale masome a matlhano pele ga boipuso o o neng o rulagantswe ke komiti ya BOT50 kwa Kgatleng bosheng. Mme Motlhagodi, yo a kileng a nna modulasetilo wa khansele ya Kgatleng a bo a nna moemedi wa lefatshe leno kwa Afrika Borwa, o boletse fa moletlo oo e ne e le go fa setshaba nako ya go ipaakanyetsa letsatsi le le tona la boipuso le mo go lone lefatshe leno le tla a bo le ipelela masome a matlhano le ipusa. A re Batswana ba tshwanetse go apara mebala ya lefatshe leno go supa gore ba motlotlo ka lefatshe la bone le le renang kagiso le thokgamo. Mme Motlhagodi a re o eletsa gore mebala eo e aparwe tsatsi le letsatsi go na le ka Labotlhano fela jaaka bangwe ba dira, a re go dira jalo fela ka bonosi go supa jaaka Batswana ba le seopo sengwe ebile ba tlotla boipuso jwa ngwaga ono thata. O boletse fa a santse a gakologelwa sentle ka ngwaga wa 1966 fa folaga ya bokolone e ne e folosiwa mme go pegiwa ya Botswana, a re ka nako eo go ne go foka phefonyana e e tsididi a tlatsa ka gore phefo eo e ne e supa thokgamo ya lefatshe leno. O tsweletse a re o santse a gakologelwa mafoko a Tautona wa ntlha Sir Seretse Khama jaaka a ne a tsaya boikarabelo jwa lefatshe leno le a tlhalositseng fa Tautona wa nako eo a le tsere le le sekaka go sena le fa e le ditlhabololo dipe. A re Sir Seretse Khama o ne a re “rotlhe re tsile go tlhabolola lefatshe leno la rona re le seopo sengwe re le Batswana’’. O ne a kgothatsa bao ba ba neng ba le ko moletlong oo,go tswelela ba dirisana ebile go rena kagiso e Tautona wa ntlha wa lefatshe leno a e tlisitseng. A re ba tshwanetse go akgola bagaka ba pele ba lefatshe leno ba ba le diretseng ka botswapelo le ka bonokopila a tlatsa ka gore fa e ne e se go ipelega ga Batswana sekolo se segolwane sa Mmadikole ne se ka bo se seyo. A re seo ka bonosi se se supa gore Batswana ba tswa kgakala ga go ipelega mme o ne a ba roltoetsa go tswelela ka mowa o montle oo. O ne gape a bua a sa kgwe mathe ka kgang e a tlhalositseng fa bangwe ba babereki ba supa fa ba lekanya tiro le madi a re seo ga se supe fa ba direla Botswana mme o kopile ba ba dirang jalo go emisa mokgwa oo, a re Botswana o tla pele mme ba tshwanetse go bereka ka natla jaaka bagaka ba maloba ba lefatshe leno. Mme Motlhagodi o ne gape a akgola banni ba kgaolo ya Kgatleng ka go amogela molelo wa kgolagano go sena makgwere ape. arts_culture_entertainment_and_media 0 Dipompo tsa kgopo ya metsi a a leswe di senyegile Mookamela lephata la metsi mo kgaolong ya Jwaneng/Mabutsane, Rre Ditiro Mogotlhwane a re dipompo dingwe tsa kgopho ya metsi a a leswe mo toropong ya Jwaneng di senyegile. Mo potsolotsong bosheng, Rre Mogotlhwane o tlhalositse fa toropo eo e gopiwa metsi a a leswe ka dipompo di le masome a marataro le bongwe, mme mo bogompienong go senyegile di le lesome le botlhano. O boletse fa go baakanya dipompo tseo go lopa dikete tsa dipula di le makgolo a mane, ka jalo ba bone go le botoka go reka tse di sha go na le go baakanya tse di senyegileng. A re e re ntswa ba emetse ofisi e tona kwa Gaborone go busetsa seemo mo taolong, ba tsweletse ka go fapaanya dipompo tse di leng teng go gopa metsi kwa go senyegileng teng. Le fa go ntse jalo, a re go dira jaana le gone ntse ke kgwetlho ka gore fa ba fudusang dipompo teng go sala go nkga. A re ba tsweletse ka go tshela dinkgisa monate go dikologa maemelo a dipalamo tsa setshaba go fokotsa monko fa go santse go emetswe seemo go boela mo maemong. Mongwe wa barekisi kwa lefelong la mapalamelo a dibase , Mme Nnyana Seloka o tlhalositse fa monko oo, o sa ba tseye sentle ka gore o kgoreletsa le bone bareki go tla go reka dijo tsa bone. A re monko o ka fa o leng bogale ka teng, o ka ba tsenya bolwetsi ka ba o hema malatsi otlhe. Mokgweetsi wa dipalamo tsa setshaba Rre Thatayaone Kekgethile le ene o supile matshweyego ka monko oo, o a reng o ka kobela toropo ya Jwaneng baeng ba ba tlang kwa moepong. BOKHUTLO society 9 Ba Suping ga ba dumalane le tshwetso ya kabo ditsha Banni ba kgaolwana ya Suping mo Molepolole ba re ga ba dumalane le tshwetso e e tserweng ke lekgotla la kabo ditsha la Molepolole ka go baya setsha sa mabitla mo motseng wa bone go sena morero. Banni ba ntshitse matshwenyego ao mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Kgosi Kgari III kwa motseng oo ka Labobedi. E ne e rile go le pele Kgosi Kgari a bolelela morafe fa a tsile go utlwa matshwenyego a bone morago ga gore lekgotla la kabo ditsha le bone setsha se go ka bewang mabitla mo go sone. Se se tla morago ga gore mabitla a a ntseng a dirisiwa a Masu A Ditshwene a tlale. O ba tlhaloseditse gore o tsile go utlwa gore ba foseditswe go le kae, le go bona ka fa matshwenyego a bone a ka rarabololwang ka teng. Kgosi o ne a ba tlhalosetsa fa go ya kwa motseng wa bone ke ba lekgotla la kabod itsha,ba ne ba leka go araba selelo sa bone e le ba bogosi, ka go ne ga nna le kopo ya gore mabitla a a ntseng a dirisiwa a Masu A Ditshwene a tletse. Mo phutegong eo, banni ba ne ba bolelela kgosikgolo fa ba gakgamaditswe ke go utlwa ka go bewa ga setsha sa mabitla mo motseng wa bone mo seromamoweng ke lekgotla la kabo ditsha, ntswa go se na morero ope o o dirilweng le bone. Ba bile ba tlhalosa fa ba hakgamaditswe ke go bewa ga mabitla ntswa ba solofetse ditlhabololo le gone ba se na ditsha tsa bonno, ba supa fa bana ba bone ba santse ba nna le bone mo malwapeng. Fa ba tswa la bone, Rre Magwasi Mothusiotsile le Mme Serwalo Setshwantsho ba tlhalositse fa e le bangwe ba masimo a bone a tserweng. Ba supile fa ba hakgamaditswe ke go bona ba kabo ditsha ba lekanya selekanyo sa masimo a bone ntswa ba ba boleletse gore ba ka nama ba santse ba lema mo go one, e tlaa re fa ba simolola tiro ba ba bolelele . Rre Simon Gaopatwe a re ka 2008 ba ne ba tseelwa masimo ka tsholofetso ya gore batsisediwa ditlhabololo, nako kgolo ke eno. Mme Keitseope Motlhala a re ga ba ise ba ke ba rerisiwe ka mabitla. A re mo phuthegong e ba neng ba na le ba kabo ditsha ba ba tlhaloseditse gore e tlaa re fa ba simoloa go aba lefatshe ba simolole ka go abela bana ba bone pele, mme le gompieno ga go na tema epe e e tswang. Le fa go ntse jalo, Kgosi Kgari o solofeditse banni ba Suping fa a tlaa ikopanya le bodiredi jwa kabo ditsha ka dingwe tsa dingongora tsa bone. Fa a itebaganya le mangwe a matshwenyego a bone, Kgosi Kgari a re o dumela gore fa peo ya ditsha e ne e tsamaile sentle, go ka bo go se na ngongora ka peo ya mabitla. Ka letlhoko la ditlhabololo mo motseng, Kgosi Kgari o ba tlhaloseditse fa puso e na le maphata a mantsi jaaka dikhansele tse tsone di lebaganweng ke go aga dikokelwana le tse dingwe. O ne a ba gakolola gore ba ka rolela makhanselara gore dikgang tsa bone di tle di salwe morago. Kgosi Mothuseng Mathwanye o ne a gakolola gore ka tsamaiso ya Setswana, batho fa ba tsena mo motseng ba tshwanetse ba kopana le boeteledi pele. BOKHUTLO society 9 Banana ba McCarthy’s Rust ba maoto a tshupa Banana ba McCarthy’s Rust mo kgaolong ya Kgalagadi ba gwetlhilwe go dirisa mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Tebogo Jaas o tlhasitse gore le mororo mananeo a a tlhamilweng ke puso go tlhabolola matshelo a Batswana bogolo jang banana a itshupile fa a le mosola ebile a ka nowa moro, banana ba McCarthy’s Rust ba santse ba goga dinao go a dirisa go tlhabolola matshelo a bone. Rre Jaas o kaile fa go tlhoka kitso ka mananeo a puso ga banana e le gone mathata a matona, a tlhalosa fa bontsi jwa banana ba koo ba santse ba sa tlhaloganye ka fa ba ka akolang mananeo a ka teng. “Banana ba mono ba santse ba sa tlhaloganye go le gontsi ka mananeo a puso a tlhabololo matshelo le nyeletso lehuma.Lephata la Banana,metshameko le ngwao le dira bojotlhe jwa lone go leka go lemotsha banana ka mosola wa go tsaya mananeo a mme go ntse go tshwana fela banana ga ba a tseye. Ba bangwe ba re ba palelwa ke go tlatsa dipampiri tsa ikopelo ka gonne di thata go tlhaloganngwa gape di tlhoka gore ba bo ba nale madi a go ya Gaborone go ya go dira dilo dingwe tse di tlhokafalang,” a tlhalosa. O boletse gape fa boitseme mo letlhakoreng la banana bo na le seabe mo go tlhokeng go tsaya mananeo a puso ga banana, a kaya fa ba itsapa go kopa thuso fa ba sa tlhaloganyeng teng ko ofising ya banana ko Tsabong. Are go diega ga go sekasekwa ga dikopo tsa banana le gone go kgoba banana marapo go diririsa mananeo. Rre Jaas o gwetlhile banana go itharabologelwa le go tsenya marapo mo dinameng ba dirise mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone, bogolo jang ka ba le mo kgaolong e e aparetsweng ke letlhoko le lehuma. O tlhalositse gore fa ba ka tsibogela go dirisa mananeo a, ba ka iphitlhela ba le golo gongwe mo isagong. Are gape ba ka tlhamela Batswana ba bangwe ditiro mme go dira jalo, ba tlaabo ba thusitse lefatshe la Botswana go lwantsha letlhoko la ditiro, le a boletseng fa le apesitse lefatshe kobo ka letshoba. Rre Jaas o kopile banana gape gore ba nne pelotelele fa ba santse ba letetse gore dikopo tsa bone di sekasekiwe di bo di arabiwe a bolela fa lepotlapotla le jesa potsane mme bopelotelele bo jesa pholo. O boletse fa mananeo a a ka dirisiwa go fetola matshelo a banana ba koo, ba a tlhalositseng fa bontsi jwa bone ba feletse ka mophato wa boraro(form 3) mo dithutong go aga matshelo a bone sesha mme ba itirele bokamoso jo bo eletsegang. Rre Jaas o gateletse gore fa banana ba ka dirisa mananeo a ka botswapelo, ga ba kitla ba tlhabolola matshelo a bone ka nosi, mme ba tlaa tlhabolola le motse wa bone mme ba ngokele bagwebi le bajanala mo go one, mme se e nne tshimologo ya dilo tse dintle mo motseng wa bone. Rre Jaas o ne a gwetlha batsadi go rotloetsa banana go tsaya mananeo a puso, a tlhalosa fa seabe sa bone mo kgannyeng e se le botlhokwa ka ele bone ba ba itseng banana botoka, a re ke bone ba ba itseng bokgoni le makowa a bone botoka. A re fa batsadi ba ka nna le seabe, ba gakolola banana go tsaya ditshwetso tse di maleba, banana ba ka nna majato go tsaya mananeo a puso. Rre Jaas o ne a kopa lephata la Banana,metshameko le ngwao go nna ba lekola banana ba McCarthy’s Rust kgapetsa-kgapetsa ba ba rute ka mananeo a puso a a farologanyeng le mosola wa one gore banana ba koo, fela jaaka banana ba bangwe lefatshe ka bophara le bone ba akole mananeo ao. society 9 Bogodu jwa leruo ga bo robatse ba Tswapong Borwa Mokhanselara wa Maunatlala, Mme Salome Lesole, o kopile khansele potlana ya Palapye go thusa go lwantsha monang o o tlhakaladitse kwa Maunatlala. Mme Lesole o boletse mo phuthegong ya khansele potlana ya Palapye gore monang o montsi kwa Maunatlala o okwa ke letamo la Lotsane. A re ba lekile ditsela tsotlhe go itshireletsa kgatlhanong le monang, mme o tsweletse ka go ba tlhorontsha. O kopile boeteledipele jwa khansele potlana ya Palapye go ema ka dinao go thusa go lwantsha monang ka go bo banni ba motse oo ba le mo diphatseng tsa go tsenwa ke bolwetse jwa malaria. Mme Lesole o kaile fa mongwe wa banni ba motse oo a setse a kile a latlhegelwa ke botshelo ka ntata ya bolwetse jwa malaria mo dingwageng tse di fetileng. A re go botlhokwa gore ba botsogo ba eme ka dinao go dira ditshekatsheko ka monang, a kopa gore ba gasetswe dichefi tse di bolayang monang mo matlong, jaaka go dirwa kwa dikgaolong tse di dingwe. Mo go tse dingwe, Mme Lesole o ne a kopa boeteledipele jwa khansele potlana go potlakela seemo sa thuto kwa dikolong tse dikgolwane kwa Maunatlala, a supa ngwaga le ngwaga maduo a wela tlase. A re mo bosheng, o ne a bitsa bogogi jotlhe jwa motse le boeteledipele jwa dikolo tseo go batla tharabololo ka kwelotlase ya maduo. Phalane le Sedimonthole ngogola, mme monongwaga, e setse e gatisitse dipego tsa malaria di robabobedi. Rre Lesedi o ne a kopa makhanselara go gakolola setshaba go itlhokomela kgatlhanong le monang o o ka bakang bolwetse jwa malaria. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Bomme ba gakololwa go emelana le dikgwetlho Molomaganyi wa ditiro tsa twantsho HIV/AIDS wa kgaolo-potlana ya Bobirwa, Rre Kabo Kgwaraga, o kgothaditse bomme kwa Bobonong go emelelana le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone. Rre Kgwaraga o buile se kwa bokopanong jwa dithuto seka dipuisano tsa bomme ba Bobonong jo bo bidiwang Pitso ya Bomme ka Labotlhano. Bokopano jo bo ne bo remeletse mo tirisong ya madi mo lwapeng le dikgang tsa tsholo le twantsho HIV/AIDS. Pitso e, e ne e tsenwe ke baemedi ba bomme ba maphata a puso ka go farologana, dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse, makgotlana a a ikemetseng le bomme ba motse ka bongwe. Rre Kgwaraga o tlhalositse fa bomme ba kopana le dikgwetlho tse dintsi mo botshelong jaaka boikarabelo jwa go tlhokomela le go godisa bana mo lwapeng ke gone ka moo eketeng bomme ke batho ba ba tshabelelwang ke botlhoki thata. O tlhalositse fa bomme ba na le bokgoni jwa go ikemela ka dinao mo ba ka felelang ba tsaya seabe mo go tsamaiseng le go tlhabolola itsholelo ya lefatshe leno. A re bomme ba tshwanetse go emela kanamo ya mogare wa HIV le go ima ga baithuti ka dinao. Moruti wa kereke ya St Ezekiel kwa Bobonong, Mme Constance Konyana o kopile bomme go itlhokomela mme ba itse fa e le ditempele tsa mowa o o boitshepo. O kgothaditse bomme go tlhokomela bana ba bone ba basetsana mme ba tlogele mokgwa wa go rotloetsa bana go tsena mo maratong ba lebile gore ngwana a robe sengwe mo leratong leo. A re mosadi o sa ntse a ka ikemela ka dinao a tlhokomela le go godisa bana le fa a sa nyalwa. Moruti Konyana o boletse fa pina ya setshaba e supa ka fa motho wa mme a leng botlhokwa ka teng mo lefatsheng ka fa mafoko a yone a tlotlomatsang mosadi ka teng. Bangwe ba bomme ba ba neng ba tsene pitso e ba tlhalositse fa ba ithutile dilo di le dintsi tse ba ntseng ba sa di lemoge mo matshelong a bone. Mooki kwa sepateleng sa Bobonong, Mme Florah Motshweneng o boletse fa bokopano jo bo mo rutile gore le fa mme a bereka ga a tshwanela go ikaega ka madi a kamogelo kwa tirong mme o tshwanetse go tswa ka ditsela tse dingwe tse a ka dirang madi ka tsone go tlhabolola itsholelo ya lelwapa la gagwe. Mme Naledi Duna yo o direlang kwa ofising ya sepodisi sa Bobonong a re bokopano jo bo mo rutile gore mme le ene mo lwapeng o ka tswa ka megopolo e e ka dirisiwang go tlhabolola lelwapa. A re bokopano jo bo mo rutile gore madi ga a bolokwe fa a le mantsi fela mme bonnye jo motho a nang le jone bo kgona go bolokwa. O tlhalositse fa a ithutile go dirisana le go amogana maele le bomme ba bangwe a ba a itlama fa a tlaa amogana se a se ithutileng le bomme ba ba sa kgonang go tlaa bokopanong jo. ENDS health 6 Kgwebo ya thuo e tlhoka boineelo Setlhopha sa barui ba dihutshane ba masimo a Leropo kwa Bonwapitse ba supa fa boineelo le go itshokela dikgwetlho e le dilo tsa botlhokwa mo kgwebong ya thuo. Ba tlhalositse jalo mo potsolotsong le BOPA ba supa gore mosepele wa bone wa go tsena mo kgwebong ya thuo ya dihutshane o ne o se bonolo. Boraro joo e leng Mme Stephinah Tokwe, Mme Lenah Baloi le Rre Boikhutso Boiditswe ba simolotse kgwebo ya bone ya thuo ya dipudi ya Basadibapuso Association ka 2017. Modulasetilo Mme Tokwe o supile gore toro ya bone ya go nna bagwebi ba dihutshane e fetogile leruri ka thuso ya madi a lekalana la bong. Le fa tsela e ne e le thata, Mme Tokwe o tlhalositse gore setlhopha sa bone se thusitswe ka madi a a fetang P268 000 go simolola kgwebo ya go rua dipodi. O supile gore kopo ya bone ya ntlha ba e dirile ka 2013 mme ba atlega. Le fa go ntse jalo, Mme Tokwe a re ga ba a ka ba kgojwa marapo ke se, ka jalo ba ne ba boela morago go baakanya tsotlhe tse e neng e le sekgoreletsi mo maitekong a bone a go bona madi. A re sengwe tsa dilo tse di neng tsa kgoreletsa kopo ya bone ke gore bangwe ba maloko a a neng a le mo setlhopheng e ne e le ba ba kileng ba bona thuso ka lenaneo le, ka jalo ba ka seke ba thusiwa gape. O ne a supa gore boineelo jwa bone bo feletse bo dira gore ba bone se ba neng ba se batla. Mme Tokwe a re go amogela dikgakololo le go ithuta mo go ba ba neng ba setse ba thusitswe ka lenaneo le, go dirile gore ba tie moko, ka jalo ba tswelela ka go iteka go fitlhelela ba bona thuso. Mme Tokwe a re ba simolotse lenaneo ka dipodi di le lekgolo le boraro, a tlatsa ka go re go tlhaela kitso mo thuong ya dihutshane go ne ga dira gore ba nne le ditatlhegelo tse dintsi thata kwa tshimologong. O supile gore mo letsalong la ntlha ba ne ba latlhegelwe ke dipotsane di le masome a mane le bongwe, di eswa ka mabaka a a farologanyeng. O tlhalosa gore ka Setswana se re ‘mmatla kgomo kodumela o etse mhata sediba,’ dikgwetlho tse ba neng ba kopana le tsone di dirile gore ba nonofe le gone go tlhaloganya malwetse a a tshabelelang dihutshane. Bophepa mo masakeng bo supiwa e le sengwe sa botlhokwa go fokotsa malwetse a a tshwenyang dipodi. Mme Tokwe a re ba kgopha motshotelo kgapetsakgapetsa mo masakeng go itsa gore masaka a nne seloko ka nako ya dipula, selo se se dirang gore dipodi di tlhaselwe ke bolwetse jwa tlhakwana. “Le fa go le thata jaana re itshoka gore re kgone go tswelela.” O supile gore mo ngwageng o o fetileng letsalo la dipodi le ne la lebagana le paka ya dipula tsa ga Dineo tse di neng di na matsorotsoro bosigo le motshegare. Le fa go ntse jalo, Mme Tokwe a re ba ne ba dira bojotlhe go sireletsa dipotsane mo dipuleng le serame ka go aga lefelo le le sireletsegileng. Mo nakong eno setlhopha sa Basadibapuso Association se na le dipodi di le makgolo mabedi 207, bontsi jwa tsone e le tsa letsalo. Le fa go ntse jalo, modulasetilo Mme Tokwe o supile gore nngwe ya dikgwetlho e e santseng e ba setse morago ke letlhoko la mmaraka wa dihutshane. A re le fa puso e leka go tsweledisa mananeo a tshwana la bong, LIMID le a mangwe, letlhoko la madi le dira gore ba seka ba reka ka bontsi. A re seemo seo se dira gore le bone ba tlhaelelwe ke madi go a tlamela kgwebo. Ka maikaelelo a go batla maano a go ikoketsa kitso ya go rua, go batla mmaraka le go bapatsa kgwebo ya bone, Mme Tokwe o tlhalosa gore kgwebo ya bone ke leloko la mokgatlho wa barui ba dihutshane wa Maboelela Small Stock Association. Ka thulaganyo ya mokgatlho o, Mme Tokwe o supa gore ba tshwara letsatsi la barui ba dihutshane ngwaga le ngwaga go amogana maele le gone go bapatsa leruo la bone. Mme Tokwe o supa gore maikaelelo magolo a barui ba dihutshane ke go nna le matlhabelo ka gore seo se ka thusa go thusa go atolosa mmaraka wa dipodi. Le fa dibatana jaaka phokoje e le kgwetlho mo baruing ba dihutshane, Mme Tokwe a re dintsa tse di disang dipodi di botlhokwa thata ka di tlhokomela leruo kgatlhanong le go tlhaselwa ke dibatana. O supa gore maikaelelo a bone ke go bona kgwebo e gola. A re mo nakong eno ba setse ba kgonne go hira modisa go ba thusa go tlhokomela leruo. Mokwaledi wa mokgatlho, Mme Lenah Baloi a re go ne go se motlhofo go goroga fa ba leng teng. A re nngwe ya dikgwetlho tse ba nang le tsone ke tlhaelo ya metsi ka go sena sediba mo tshimong e ba ruetseng mo go yone. Le fa gone kgwebo ya bone e tona e le thuo a dipodi, Mme Baloi a re ba simolotse thuo ya dikoko tsa Setswana le mebutla e le tsela ya go oketsa letseno.ENDS economy_business_and_finance 3 Bomme ba rotloediwa go ikemela ka dinao Banni ba Selebi Phikwe ba gakolotswe go sekaseka gore ba kgonne go le kae dikgang tse di amang bomme le bana ba basetsana. Se se builwe ke Moruti Sinah Teemane yo e bileng e le moeteledipele wa mokgatlho wa Good Samaritan kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la bomme kwa Botshabelo kwa Selebi Phikwe. Mme Teemane a re letsatsi la bomme ke nako e bomme ba tshwanetseng go ntsha lentswe la bone go bua ba sa tshabe ka tse di ba tshwenyang le go fa mapaki a a ka kgothatsang ba bangwe. A re lefatshe la Botswana le ne la itlama go sekegela dikgang tse di amang matshelo a bomme ka ngwaga wa 1995 mme la ipeela seelo sa ditsetlana tse di ka tokafatsang matshelo a bone e leng la boeteledipele ja bomme le tsa sepolotiki, go lwantsha lehuma le le tshabelelang bomme, botsogo ja bomme, go rutuntsha bomme le go fedisa kgokgontsho ya bomme le ngwana wa mosetsana, tekatekano ya bong le go nonotsha bana ba basetsana. Moruti Teemane a re mo ditsetlaneng tse, go na le tse lefatshe le di fitlheletseng mme dingwe di sa ntse di saletse kwa morago. A re nngwe ya tse di saletseng kwa morago ke ya sepolotiki. A re bomme ba sa ntse ba inyatsa gore lentswe la bone le ka seka la utwala jaaka la borre. Moruti Teemane a re dipalo tsa bomme ba ba kwa palamenteng di sa ntse di le kwa tlase thata ka jalo a ba rotloetsa go emana nokeng go fitlhelela ditoro tsa bone. E rile a ama tsa kgokgontsho tse di diragalelang bana ba basetsana, a re se se bakiwa ke lehuma le bomme ba tshelelang mo go lone ka bontsi ja bone ba sa bereke. A re se se dira gore ba ineele mo go borre ka e le bone ba tlisang dijo mo lwapeng le fa ba kgokgontshiwa. A re kgokgontsho e mefuta mentsi jaaka ya maikutlo kana ya kiteo mme bomme ba ineetse mo go yone ka lebaka la letlhoko. Moruti Teemane a re dikgang tsa tekatekano di tshwanetse go seegelwa tsebe ka dinako tsotlhe mme e bile di sa buelwe ka fa tlase ga ditafole go itsa gore ope a se ka a bewa ka fa mosing. Le fa go ntse jalo Moruti Teemane a re go na le dikgang tse Botswana a gatetseng pele mo go tsone jaaka mo go tsa tekatekanyo mo ditirong. A re mo nakong ya gompieno bana ba basetsana ba fiwa sebaka sa go ya go ithutela ditiro tsa diatla tse go neng go dumelwa gore ke tsa borre. Mongwe wa barulaganyi ba letsatsi yo e leng moeteledipele wa mokgatlho wa Positive Moments Support Group go tswa Gaborone, Mme Onalethata Mpebe a re ba bone go le maleba go tla go tshwarela letsatsi la bomme mo toropong ya Selebi Phikwe ka e le nngwe ya mafelo a a amilweng ke mogare ka dipalo tse di kwa godimo. Mme Mpebe o gakolotse bomme gore tekatekanyo e teng fa go tsena mo go tsa tlhakanelo dikobo, a gatelela gore dipalo tsa batho ba ba tsenwang ke mogare di tlaa tswelela di golela pele fa batho ba ka tswelela ba itlhokomolosa maikarabelo a bone. Kwa bofelong, Mme Mpebe o kgothaditse ba ba setseng ba amilwe ke mogare go tsaya kalafi ka fa ba bongaka ba ba kaetseng ka teng. society 9 Brooks o abela ba batlhoki Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Sam Brooks, o abetse malwapa a le mararo dijo, melora le dikobo kwa Logaganeng, Khuis le Gakhibana. Fa a abela Mme Mmakgosi Gabolekane bosheng kwa Logaganeng dimpho tse a neng a di rulagantse le ba ofisi ya gagwe, a re maikaelelo ke go thusa malwapa a a nang le letlhoko le le tseneletseng go supa fa ofisi e ba eme nokeng. A re go ba abela ke go ba lemotsha fa ofisi e bona diemo tse di thata tsa lehuma tse ba di raletseng mme a ba kopa gore ba nne ka tsholofelo mme e bile ba ikanye mananeo a puso go ba ntsha mo lehumeng. A re kabo dimpho eo ke tsela nngwe ya go supa bopelotlhomogi le go bontsha banni fa ba lemoga mathata a bone. Kwa Khuis ba abetse lapa loora Itaoleng le le neng la latlhegelwa ke ngwana wa mosetsanyana yo o dingwaga tse di masome mabedi le bongwe ka nako ya pelegi. Mopalamente Brooks a re go botlhokwa go tlhola lesea leo ka dinako tsotlhe. A re ngwana yoo ga a a salela ba lolwapa loo fela, mme o saletse botlhe. O abetse losea loo metseto, mashi a bana, melora le dijo. Rre Brooks o gateletse gore, gore ngwana a nne le boikarabelo le seriti mo setshabeng ga se maikarabelo a batsadi fela ke a mongwe le mongwe le ba ba mo dikologileng tota. Ka jalo ofisi ya ga mopalamente e tlaa tswelelela e ba eme nokeng go bona gore ngwana yoo o gola sentle. Fa a tswa la gagwe nkukuagwe losea leo mme Magdalene Itaoleng a re go tlhokafalelwa ke morwadie yo a neng a sa lwale ka nako ya pelegi mo diatleng tsa ba botsogo go apesitse lelwapa leo kutlobotlhoko. E re le ntswa go ntse jalo, o lebogetse ba ofisi ya ga mopalamente go gopola ngwana yoo ka go mo tsisetsa dimpho tse a reng di tsile ka nako e e maleba mme di tlaa thusa ba lelwapa go tlamela lesea leo le le ka fa tlase ga kgwedi tse thataro. Kwa Gakhibana ofisi eo e abetse lolwapa lwa ga Rre Pono Tumaeletse dijo. Lelwapa leo le nna ka fa tlase ga bojang morago ga go welwa ke ntlo ka nako ya setsuatsue sa Dineo dingwaga tse pedi tse di fetileng. Rre Brooks a re ba khansele-potlana ya Kgalagadi Borwa ba itse ka seemo seo mme go botlhokwa gore ba se potlakele go bona gore banni ba tlamelwa ka bonno. A re go tlhoka ntlo go diga seriti kana boleng jwa motho, ka jalo seemo seo se tshwanetse go emelwa ka dinao go bona gore lelwapa leo le a tlamelwa. Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa komiti ya ditlhabololo mo Gakhibana Mme Bothoboile Mosarwe o iteetse ba ofisi ya ga mopalamente legofi. A re ba lemogile fa bonno jwa ga Rre Tumaeletse bo sena seriti mme jaanong ka go tlhoka dithata e le komiti ba retelelwa ke go mo thusa. O tlhalositse gore go tla ga ga Mopalamente Brooks go tiisa tsholofelo mme e bile go tsisa monyenyo ka jaana a tlaa rotloetsa a bo a thusa ka megopolo gore ba lelwapa leo ba agelwe. Rre Brooks a re go a tshwenya gore go bo go tsere lobaka lo lo leele gore lelwapa leo le thusiwe. A re lolwapa loo lo ne lo tshwanetse lwa thusiwa ka e ne e le seemo sa tshoganyetso. A re mogwaafatshe oo o diga seriti sa motho le sa lefatshe, ka jalo go botlhokwa gore go baakanngwe seemo seo ka potlako. A re seo se mo gwetlha gore go engwe ka diano go bona gore monni yoo o ka thusiwa jang. Mo go tse dingwe, Mopalamente Brooks o ne a tlhotlhoma le dikole dingwe tsa kgaolo eo go lekola ka fa ba dirang ka teng go diragatsa melao e e itsang kanamo ya mogare wa corona o o apesitseng lefatshe lotlhe kobo ka letshoba. O ne a ba lekola go bona gore baithuthi le barurabana ba babalesegile go le kae morago ga gore dikole di bulwe bosheng. politics 7 AP ke tsholofelo ya Batswana-Gaolathe Batswana ba kopilwe go tshepha phathi ya Alliance for Progressives (AP) ka tsholofelo ya gore e na le maikaelelo a mantle a go ka fetola seemo sa matshelo a bone le go tlhabolola itsholelo ya lefatshe e akaretsa botlhe. Mafoko a, a builwe ke moeteledipele wa phathi eo Rre Ndaba Gaolathe, fa a rola semmuso yo o tlaa nnang ntlhopheng wa bopalamente wa phathi eo Rre Boniface Mabeo le ba ba tlaa nnang bontlhopheng ba makhanselara ba le lesome le bongwe kwa Ramotswa ka Matlhatso. Rre Ndaba o ne kopa batlhophi ba Ramotswa go amogela bontlhopheng ba AP ka tsholofelo ya gore ba tlaa aga Botswana yo mosha. O ne a tlhalosa fa phathi ya AP e le yone ka nosi e nang le maikaelelo a a tsepameng go ka fetola seemo sa itsholelo go aga Botswana yo mosha. Rre Gaolathe o ne a kopa kemo nokeng ya tlhopho ka maikaelelo a go ya go betla tsela e a reng go lebega e tsene ka sekgwa. O ne a supa fa phathi ya AP e le lekgotla la sepolitiki le le eteletsweng pele ke banna le basadi ba boikarabelo jwa tlhwatlhwa, ba na le tebelopele ya go ka fetola ditsamiso tse di beileng Batswana ka fa mosing ka lobaka. Mongwe wa mabutswapele a dipolitiki Rre Lepetu Setshwaelo o ne a gakololola balatedi ba AP go betla ditsela tsa go ntsha phathi ya BDP mo pusong. Rre Setshwaelo o ne a ba bontsha fa go tlhoka mashetla go tla go thusa go nyeletsa ditsamaiso tse di diretsweng go akolwa ke palo-potlana ya batho ba lefatshe leno, ka bontsi bo tshela ka thata. A re ga go sa tlhole go na le sepe se se ka tsietsang batlhophi. Ka jalo o ne a ba kopa gore ba seka ba ipona tsapa mme ba nonotshe ipapatso gore Batswana ba tswelele ka go tlhaloganya maikaelelo a bone a go fetola matshelo a batho. Mogakolodi wa moeteledipele wa phathi ya AP Dr Margaret Nasha o ne a tlhalosa fa nako e gorogile ya gore batlhopi ba tlhalefe mokgwa o o godileng mo Botswana wa go bipa mpa ka mabele, go ikgatholosa dikgang tsa tshenyetso setshaba tse bontsi jwa tsone di amang baeteledipele le masika a babusi. Dr Nasha a re seo se ka fenngwa fela ka tlhopho ka bontsi jwa Batswana bo lebile ka boitlhobogo. Fa a tswa la gagwe, Rre Mabeo o ne a kopa batlhophi ba kgaolo ya ga Malete go mo tshepha ka tlhopho go ya go thusa go neela kgaolo ya bone dithata go e thusa go tlhabologa ka go godisa thuo le mmaraka wa dikolobe. Rre Mabeo o ne a tswelela ka go supa fa puso e paletswe ke go tswa ka mananeo a sennela ruri a go ka tlhama diphatlha tsa mebereko, ka jalo a sa dumele fa go santse go na le se batlhophi ba ka dumelang mo go sone. O ne a kopa batlhophi ba go mo ikanya ba bo ba nne le tsholofelo ya go bona kgaolo eo e fetogile, ka a tsile go tlhabolola seemo sa metsi le go sala morago metswedi e e ka thusang go tlhabolola temo ya merogo mo kgaolong. Rre Mabeo o ne a supa fa kgaolo ya Ramotswa e le nngwe ya tse a dumelang di ikgatholositswe ka lobaka, mme a solofetsa gore ka bokgoni jwa gagwe, o ya go thusa go bua ka mashetla dikgang tse di ka thusang go tlhabolola tsamaiso ya itsholelo go fa batho ba kgaolo eo dithata. society 9 Badirela puso ba kopiwa go goga le Tautona Mokwaledi mogolo mo ofising ya ga Tautona Rre Carter Morupisi o kopile badirela puso go netefatsa gore ba goga le Tautona Mokgweetsi Masisi mo maikaelelong a gagwe a go isa Botswana kwa pele. O buile mafoko a mo bokopanong jwa gagwe le badirela puso ba kgaolo ya Kgalagadi Borwa bosheng. Rre Morupisi a re go botlhokwa gore badirela puso ba netefatse gore maikaelelo a ga Tautona Masisi a a atlega ka jaana e le bone ba isang ditlamelo kwa bathong. O tlhalositse gore ba tshwanetse go itse gore dilo di tshwana le go tlhama ditiro ke dingwe tse ba tshwanetseng go itebaganya le tsone ka jaana puso e se kake ya kgona e le nosi. O ne gape a gakolola batsena phuthego gore ba simolole go ntsha melawana e e ba paledisang go thusa setshaba ka nako, a tlatsa ka go re ditshwetso tse dingwe boeteledipele jwa maphata bo ka di tsaya fela bo sa die nako ka go di fetisetsa kwa Gaborone. “Se se botlhokwa ka jaana se ka thusa kgaolo go nna le babeeletsi ba dikgwebo ba bantsi ba ba ka thusang mo go tlhameng diphatlha tsa mebereko,” Rre Morupisi a tlhalosa. Mokwaledi mogolo o tlhaloseditse badirela puso gore ba tshwanetse go nna sekao mo pele ga setshaba, ba le mo tirong le kwa ntle ga tiro. A re se se botlhokwa ka gore se ka tsenya mowa o o siameng mo baneng ba ba tswang kwa tlase mme ba felele ba nna motlotlo ka ditiro tse ba di berekang. Mo go tse dingwe Rre Morupisi o tlhalositse fa badirela puso ba sa tshwanela go tlhopha mo ditlhophong tsa peo lotlhokwa mme a re ba gololesegile go nna le dikarata tsa diphati tsa sepolotiki tse ba di ratang. O boleletse phuthego eo gape gore ke maikaelelo a puso gore banyalani ba berekele mo kgaolong e le nngwe fa go kgonegang teng. Badirela puso ba ne ba supa fa ba itumelela tshwetso eo mme ba supa dingongora di tshwana le go nnela ruri mo kgaolong e le nngwe. Ba kopile gape gore puso e sekaseke madi a malala ntle ka jaana a le kwa tlase, ba re fa a ka okediwa a ka bolokela puso madi a mantsi a a dirisiwang mo dihoteleng. Rre Morupisi o supile fa dingongorego tsa bone di tlaa arajwa mme a gatelela gore ba netefatse gore maikaelelo a ga Tautona Masisi a a diragala a go dira Botswana lefatshe le le kgatlhang bagwebi. BOKHUTLO society 9 Lenaneo le itebaganya le dikotsi Mookamela mapodisi a pharakano kwa kgaolong ya Legare, Assistant Commissioner Pelontle Kesupile, o tlhalositse fa banana ba ba dingwaga tse di lesome le boferabobedi go ya kwa go tse di masome mane ba amega thata mo dikotsing tsa tsela. Assistant Commissioner Kesupile o buile se kwa tshimolodisong semmuso ya tirelo ya go ruta bakgweetsi ba banana botlhokwa jwa go ipabalela le go obamela matshwao a tsela fa ba kgweetsa. Thuto puisano e, e ne e tshwaretswe kwa Selebi Phikwe bosheng. Assistant Commissioner Kesupile o ne a supa fa tshimolodiso ya lenaneo le, e ne ya bolotswa semmuso ke mookamelamapodisi, Rre Keabetswe Makgophe, ngwaga o o fetileng. Se, se ne sa bulela motseletsele wa dithuto puisano tsa mofuta o, lefatshe ka bophara. Assistant Commissioner Kesupile a re maikaelelo ke go betla tsela ya go fokotsa dikotsi tsa tsela tse di tsweletseng ka go gapa matshelo a banana. O ne a supa fa e rile ka ngwaga wa 2017, ga tlhokafala batho ba le 247 fa ka ngwaga wa 2018 ba le 251 le bone ba ne ba latlhegelwa ke matshelo. Rre Kesupile o ne a supa fa dingwe tsa dikotsi tse di gapileng matshelo a batho di ka bo di ne tsa tilwa fa go ka bo go ne ga obamelwa matshwao a tsela. O ne a supa fa go kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo, go kgweetsa ka fa tlase ga kgatelelo ya nnotagi, go dirisa mesokela tsebeng motho a kgweetsa le go tlhoka boikarabelo jwa ba tsamaya ka dinao e le dingwe tsa dilo tse di bakang dikotsi tsa tsela. Le fa go ntse jalo, Rre Abram Ntshiping go tswa kwa lekalaneng la Motor Vehicle Accident Fund (MVA) o ne a bolela fa madi a a ka bong a tlhabolola Batswana a dirisiwa thata mo bathong ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela. Rre Ntshiping o ne a supa fa ba thusa batho botlhe ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela, mme fa go ka fitlhelwa mokgweetsi ka na mongwe yoo o amegileng mo kotsing eo a ne a sa obamela matshwao a tsela, o ka tseelwa dikgato ka go duela madi a dirisitsweng go thusa ba ba amegileng. A re lekalana la MVA Fund le dirile se morago ga go lemoga go tlhoka boikarabelo ga badirisi ba tsela. Rre Ntshiping o ne a supa fa borre e le bone ba amegang thata mo dikotsing tsa tsela go na le bomme. Kgosi wa kgotla ya Ikageleng, Kgosi Tebogo Stephen, o ne a kopa banana le batsadi ba ba neng ba tsene thuto puisano go tsaya molaetsa ka tlhwaafalo le go ya go ruta ba bangwe. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Randpacked e supa lorato Dikhampani le makalana a a ikemetseng a tsweletse ka mowa wa boithaopo. Makalana ao a direla Batswana ba ba nang le botlhoki ka go ba abela dimpho. sekai ke khampani ya Randpacked e e supileng bopelotlhomogi ka go pentela le go abela Rre Moatshe Letsholo le ba lelwapa la gagwe dijo kwa Mochudi. Mogolwane wa khampani eo Rre Thabo Kebaswele a re ba bone go le botlhokwa go dira tiro ya boithapo mo lapeng la ga Rre Letsholo. A re go botlhokwa go kgaogana masego a ba nang le one e le ba khampani e le ba kgaolo e ba berekelang mo go yone. Rre Kebaswele o ne a tlhalosa gore Randpacked ke khampani e e thapilweng ke khansele ya Kgatleng go tsaya matlakala mo dikokelwaneng di le lesome le motso. A re o ne a thulanya ditlhogo le babereki ka ene go bona gore ba ka thusa jang mo kgaolong mme ba dumalana go dira tiro ya bopelotlhomogi. Rre Kebaswele o ne a tlhalosa gore ba tsile go tswelela le tiro ya boithaopo kgwedi le kgwedi ka ba ipeetse seelo sa go thusa malapa a le lesome le motso mo Kgatleng go tsamaalana le tiro e ba e filweng. O ne a lebogela kemo nokeng e ba e filweng ke ba Boseja Clinic 1 le bogogi jwa motse a re e supa tirisano mmogo. E rile fa a amogela baeng Kgosi Time Pilane o ne a lebogela maiteko a ba Randpack a go thusa ba ba ’kobo dikhutshwane. A re se ke maiteko a a tshwanetseng go iteelwa legofi ka a supa fa mowa wa bopelotlhomogi o santse o lrena. Kgosi Pilane o ne a gwetlha banni go bereka le babereki ba puso ka ke bone ba ba lomaganyang ditlhabololo le gone go atswiwa ka dithuso. A re badirelapuso ba thapilwe ke puso go isa ditlamelo kwa bathong, ka jalo a ba iteela legofi go bo ba kgonne go lemoga botlhoki jwa ga Rre Letsholo. O ne a kgothatsa Rre Letsholo go dirisa dimpho tse a di filweng sentle gore di tle di mo solegele molemo. Mogolwane kwa Boseja Clinic 1 Mme Boitumelo Moesi o ne a lebogela tiro e e dirilweng ke ba Randpacked a re e supa lerato. A re o eletsa ekete dikhampani kana makalana a mangwe a ka tsaya malebela mo go se se dirilweng ke Randpacked. Mokhanselara wa Boseja Bokone Rre Lethodi Modipane o ne a lebogela dimpho tse di neetsweng Rre Letsholo a re ba Randpacked ba jwadile peo ya go neela. A re go dira tiro ya boithaopo go botlhokwa ka bonnyennyane jo bo kgaoganwang bo tsisa monyenyo mo go ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. society 9 Kotsi e gapile matshelo a
 bana ba le bararo Mapodise a Letlhakane a tlhotlhomisa kotsi e e gapileng matshelo a bana ba le bararo. Kotsi e e diragetse bosigojwa Labotlhano (Phatwe 14) mo kgotleng ya Mokgobelele morago ga gore koloi e latele bana faba neng ba tshamekela teng mme ya ba thula, go ya ka dipego tsa ba bona tiragalo eo. Mogolwane wa mapodise aLetlhakane, Superintendent Michael Maphephu a re ba ba tlhokafetseng, kemosimane wa dingwaga di le lesome le bobedi, basetsana ba le babedi ba badingwaga tse supa le boferabobedi. Ba ba bonyeng dikgobalo tse di potlana ke basimane ba babedi, ebile mo nakong ya gompieno ba a sidilega. A re yo o boneng dikgobalotse di masisi o ne a ragosediwa kwa sepatela se setona sa Bokamoso kwa Mmopane. Superintendent Maphephu oboletse fa mokgweetsi wa koloi a sa bona dikgobalo dipe tse di masisi ebile ane a siya morago ga tiragalo e mme ya re letsatsi le le latelang ba duleletsholo ba kgona go mmona kwa a neng a iphitlhile teng. A re mmelaelwa ke motho waLetlhakane mme o dingwaga di le masome a mararo le bobedi. Superintendent Maphephu a re go lebega fa koloi e pitikologile ka bone fela e le nosi A re e re ntswa ba sa itse sese bakileng kotsi, ditlhotlhomiso di santse di tsweletse fa mmelaelwa ene a le mo diatleng tsa mapodise go leta tsheko. Superintendent Maphephu okopile bakgweetsi go nna ba kgweetsa ka kelelelo ka nako tsotlhe bogolo thatafa ba le mo ditseleng tse di fa gare ga motse. O ne a tswelela a re batlhotlhomisa leso la monna yo o dingwaga tse di masome a mararo le bobedi yo aneng a fitlhelwa a tlhokafetse mo ntlong ya gagwe mo mosong wa Sontaga (Phatwe 16) kwamasimong a Mapetle. O supile fa mohiri wa gagwe ane a tla go mo tlhola a sa mo fitlhele mme ya re letsatsi le le latelang aokomela kwa ntlong ya gagwe ke gone a bo a kgatlhantshiwa ke monko a bo aleletsa ba sepodise. RreMaphephu a re ba bongaka ba santse ba tlhatlhoba mmele wa moswi go rurifatsa sese ka tswang se bakile leso leo. Moswi a tlaa bolokwa kwa a neng a tlholega teng kwa Mokgenene. crime_law_and_justice 1 Kgalagadi Borwa o ipaakanyetsa boipuso Mothusa molaodi mo kgaolong ya Kgalagdi Borwa Mme Peggy Kutlase o gwetlhile banni ba kgaolo eo, mo metseng e e farologanyeng, go ema ka dinao le ba-na-le seabe botlhe ka go dira ka natla, tshwaragano, tirisanommogo le therisano mo ipaakanyetsong letsatsi la boipuso la monongwaga ka seo se ka thusa thata mo katlegong ya letsatsi leo. Fa a bua mo potsolosong le ba lekalana la dikgang la BOPA ka Labobedi, mothusa molaodi o ne a tlhalosa fa ba setse ba simolotse go tlhama dikomiti tse di farologanyeng mo ipaakanyetsong moletlo wa letsatsi la boipuso, a kaya fa gape ba setse ba tshwere bokopano le dikgosi mo metseng e e farologanyeng mo kgaolong eo go simologa kwa motseng wa Kokotsha go fitlha kwa Struizendam. Mme Kutlase o kaile fa bokopano joo maikaelelo a jone e ne e le go tlhalosetsa merafe ka fa boipuso jwa monongwaga jwa dingwaga tse masome a mane le boferabobedi bo tlaa ketekwang ka teng ka bo tlaa bo bo le pharologanyo le jwa dingwaga tse di fetileng. A re boipuso jo e tlaa bo e le jo ka jone go tlaa itlhokoletswang jwa dingwaga tse masome a matlhano lefatshe leno le ntse le ipusa ka kagiso le thokgamo, jo bo tlaa tlang ka ngwaga wa 2016. O kaile fa botlhe ba ba tshotsweng ka ngwaga wa 1966 e le bone ba ba tlaa bong ba di goga kwa pele mo ipaakanyetsong ya moletlo wa letsatsi leo. A re mo nakong ya gompieno ba setse ba kwadisitse bommabontle le borabontle ba le masone a mane le bone, ba ba tshotsweng ka nako ya lefatshe le le tsaya boipuso, a tlatsa ka gore dikgaisano tseo di tlaa bo di tshwaretswe kwa Tsabong. A re mofenyi yo o tlaa tswang ka maemo a ntlha mo dikgaisanong tseo o tlaa atswiwa ka madi a kana ka P5000 fa wa maemo a bobedi a tlaa fiwa P3500, mme wa boraro ene a tlaa atswiwa ka P1500; fa ba bangwe botlhe ba ba tseneletseng dikgaisano tseo ba tlaa tlhatswiwa diatla ka P700. Mothusa molaodi o kaile fa mengwe ya metshameko e setshaba se tlaa nnang le seabe mo go yone e ekaretsa moopelo wa dikhwaere, mabelo a botlhe ba ba tshotsweng ka 1966, mabelo a ditonki le dipitse, metshameko ya kgwele ya dinao, diketo, morabaraba le e mengwe. O kaile fa khansele ya Kgalagadi e tlaa ntsha dithuso tsa yone tsa madi fela jaaka gale go thusa mo meletlong ya boipuso, fa puso yone e ntshitse madi a kana ka P150 000 a a tlaa kgaoganngwang kgaolo ya Kgalagadi Borwa le Bokone; a e leng one a tlaa dirisiwang go reka dijo, le go atswa bommabontle, ba mabelo le ba dikgaisano tse dingwe. Mme Kutlase o ne a supa fa kgwedi eno ya Lwetse e seegetswe kwa thoko go nna ya thapelo ngwaga le ngwaga mo lefatsheng leno. O kaile fa ba lekgotla la baruti ba setse ba ipaakanyeditse go tshwara merapelo kwa kgotleng kgolo e e akaretsang go rapelela boipuso, ditlhopho, mogare wa HIV/AIDS le malwetse a mangwe, kgwedi eno e le masome a mabedi le boferabobedi. Mo mafokong a gagwe a bofelo, mothusa molaodi o ne a kopa le go rotloetsa setshaba go ipelela letsatsi leo ka go apara kapari ya Setswana le ya mebala ya Botswana ka letsatsi leo, le gone go phepafatsa metse ya bone ka go sela matlakala. Bokhutlo arts_culture_entertainment_and_media 0 Nnang le bokao - Morwaeng Mookamedi wa lekgotla la Good Samaritan, Rre Kabo Morwaeng a re o solofela fa lekgotla la Dingwetsi le tlaa kgona maikaelelo a go aga malwapa go thusa go fokotsa dipalo tsa dikgang tsa ditlhalano. E rile a bula bokopano jwa ngwaga le ngwaga jwa lekgotla la bomme la Dingwetsi kwa Mmanoko ka Matlhatso, Rre Morwaeng a re setshaba se tshwenyegile thata ka go thubega ga malwapa go rotloetswa ke gore malwapa ga a na motheo. “A re seka ra bo re le teng fela, mme re nne le maikaelelo a se re se eletsang, sengwe sa tsone e le go fokotsa ditlhalano le go bona gore dingwetsi di na le bokao mo tsamaisong ya malwapa a tsone,” ga gakolola Rre Morwaeng. A re o solofela fa go tlhongwa ga lekgotla la Dingwetsi go dirilwe ka maikalelo a go kgona sengwe, se e ka nnang kago ya malwapa go akarediwa le kgodiso ya ngwana, a tlhalosa fa malwapa a a senang motheo a ka seke a kgone go aga bana ba ba ka lereng tsholofelo. Mookamedi wa lekgotla la Dingwetsi, Rre Barulanye Mogotsi a re malwapa a na le seabe se segolo mo go ageng setshaba, ka jalo a rotloetsa gore tsamaiso ya Dingwetsi e nne le maikaeleo a motia go thusa go bopa tshaba ya boikarabelo jo bo eletsegang. Rre Mogotsi a re morero, neelano le tlotlano di botlhokwa go tiisa tsamaiso le kago ya malwapa. O gateletse botlhokwa jwa go thusa go godisa dipalo ka go ngoka maloko ka batho ba ka supang maitlamo a go itse fa lelwapa e le motheo wa setshaba. Mokwaledi mo ofising ya mopalamenete, Mme Merapelo Letebele o gakolotse ka botlhokwa jwa go tlhomamisa thuto go na le go itebaganya fela le mme yo o setseng a tsene mo lenyalong, a supa fa go lemosegile gore thulaganyo ya mokgatlho wa Dingwetsi e itebagantseng le mme yo a tseneng mo lenyalong go na le go ruta mme go ipaakanya go sale gale. “A re tlhomamiseng gore batho ba tsena mo lenyalong ka kitso ya se se solofelwang mo go bone go thusanya le botsadi gore maitsetsepelo e seka ya nna a go laya fela mme go nne le thuto e e tseneletseng go sa le pele go thusa go aga malwapa a a nang le motheo. Lekgotla la Dingwetse le simolotse go dira ngwaga o o fetileng morago ga go simolodiswa semmuso kwa motseng wa Mmanoko ka maikaelelo a go thusa go rotloetsa kago ya malwapa a a anang le motheo. BOKHUTLO society 9 Tlhokomelang leruo Mookamela mapodisi a Mahalapye o gakolotse barui ba kgaolo ya Martin’s Drift go tsaya boikarabelo jo bo tsepameng go sireletsa le go tlhokomela leruo la bone. Superintendent Nthutang Bante o buile se mo thuto seka-dipuisano le barui ba kgaolo e, e e akaretsang Tuli Block, Ngwapa, Majwaneng, Mokobeng, Seleka, Tumasera, Ramokgonami le Ratholo. Dipuisano tse di ne di rulagantswe ke ba komiti ya twantsho borukutlhi kwa Majwaneng bosheng. O ne a tlhalosa fa lefatshe la Botswana le tshwentswe thata ke seemo sa borukutlhi jwa bogodu jwa leruo jo bo ikadileng mo dikgaolong tsotlhe tsa lefatshe leno, go akarediwa le kgaolwana ya Martin’s Drift. Ramapodisi Bante o ne a re ba tshwentswe thata ke dikgang tsa bogodu jwa leruo mo kgaolong, tse di tsweletseng ka go golela pele mme a supa fa go tlhoka go tlhokomela leruo go na le seabe se setona mo go nyeleleng ga leruo. O ne a gatelela a re ntswa ba leka go itemogela diphatlha tse dirukutlhi di tsenang ka tsone, barui ba tsaya nako e telele ba sa tlhole leruo e bile le sa tshwaiwa le fa e le gone go le tshuba tota. “Leruo segolobogolo dikgomo ga di na matshwao, le fa e le tshipi, fa tse dingwe di sa jesiwa omang, selo se se dirang gore magodu a akge maoto fela ba bo ba kgona go felela ba tswa ka diphatlha tsa menwana fa go tsenwa kwa lekgotleng la ditsheko ka jaana go a bo go sena bosupi jo bo nonofileng.” crime_law_and_justice 1 Barui ba gakololwa go tshwaya dikgomo Barui ba metse ya Takatokwane, Dutlwe le metse e e mabapi mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng ba gakolotswe go tshwaya, go tshuba le go jesa leruo la bone omang ka go ka thusa thata mo go netefatseng gore ke la bone fa le utswilwe. Kgakololo e, e ntshitswe ke mookamela mapodisi a Takatokwane, Superintendent Ocean Maraganyane mo bokopanong le balemi-barui ba kgaolo e kwa masimong a Sekwakwane gaufi le Takatokwane bosheng. O tlhalositse fa ba tshwenngwa ke dikgang tse di tsweletseng tsa go golela pele tsa bogodu jwa leruo mo kgaolong, mme a supa fa go tlhoka go tlhokomela dikgomo ka go di tshwaya le go di tshuba go na le seabe se segolo mo go oketsegeng ga dikgang tseo. Superintendent Maraganyane o tlhalositse fa bontsi jwa dikgomo di sena matshwao le fa e le tshipi gape di sa jesiwa omang mo a reng go dira gore fa magodu a di utswile ba bo ba kgona go falola fa go tsenwa kwa lekgotleng la ditsheko ka jaana go a bo go sena bosupi. O tlhalositse fa magodu bontsi jwa nako ba utswa dikgomo tse di sa tshubiwang e bile di sa tshwaiwa, mme a kaela barui gore fa bosupi jwa omang, tshipi le letshwao di le teng mo leruong, go motlhofo mo go ba sepodisi gore ba lebise babelaelwa molato. Superintendent Maraganyane o ne gape a gakolola barui go sala tsamaiso e e lolameng ya go rekisa le go reka leruo la bone, mme a ba tlhagisa ka manweenwee mangwe a a tsietsang baruakgomo fa ba reka dikgomo mo go bone. A re bareki bao gantsi ba tsaya dikgomo mahala ba tlhalosa fa ba tlaa ba duela fa ba sena go bona dipoelo ka go rekisa dinama tsa dikgomo tse mme e re morago ba tsene ka lenga la seloko kgotsa ba tsenye barui dingalo pele ga ba bona dituelo tsa bone. crime_law_and_justice 1 Mojamorago o itshidisa ka dinotshi Mo botshelong re tshwanetse go supa ditiro tse re di abetsweng ka go dira ka matsogo go itshetsa. Seo se ka tlhalosiwa ke morui wa dinotshi, Rre Mojamorago Botoka, ka a tswa bonyaneng a rata go tshwara dinotshi. O ne gape a kgatlhega go bona batho ba rua dinotshi mo lenaneong la temo-thuo. Mo potsolosong le BOPA bosheng kwa Serowe, Rre Botoka a re o simolotse go rua dinotshi ka 2013 a thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma ka didirisiwa. Gape ba ne ba mo isa thutuntshong ya go tshwara dinotshi ka 2012. A re ene sa gagwe e ne ya nna go ipatlela dinotshi. A re go rua dinotshi ga se tiro e e dingalo, a kaya gore go dira dinotshi go batla o di dira go sale phakela batho ba santse ba robetse gore di seka tsa ba loma. Rre Botoka a re kgwebo ya gagwe e dira sentle ka gore fa a fetsa go ntsha mamepe bareki ba a fetsa ka letsatsi. Morui a re ene o direla dinotshi mo lapeng, mme ob supang fa dinotshi tsa gagwe di sa sireletsega ka diji di mo tsentse fa le fa, a kaya fa le batho ba sa sireletsega ka di kgona go ba loma. Rre Botoka a re fa e sale a thusiwa ke ba nyeletso lehuma botshelo jwa gagwe bo fetogile fela thata ka gore o kgona go itirela sengwe le sengwe se a se tlhokang ka dipoelo tse a di bonang mo kgwebong a sa kope thuso mo go ope. A re o kgonne le go ipolokela madi kwa polokelong e bile o rotloetsa banana go boloka madi ka e le selo se se botlhokwa mo botshelong ka gore go tlaa nna le nako nngwe e e leng gore motho o tlaa bo a a tlhoka. A re o na le kgwetlho ya gore ga a a fiwa didirisiwa di le mmogo mme se se mo pateletsa go ya go adima kwa go ba bangwe. A re selo se se dira gore kgwebo ya gagwe e nne bonya. Ka jalo o kopile ba lephata la temo-thuo go mo thusa ka tse a di tlhokang mme ba ne ba mo solofetsa fa ba tlaa mo thusa. A re e nngwe kgwetho ke gore o sale a kopile setsha mme le gompieno ga ba mo kgwe dikgaba, a kaya fa go direla mo lwapeng e se selo se se siameng ka gore go baya matshelo a batho mo diphatseng. O rotloeditse banana ba Botswana go inaakanya le mananeo a puso, a kaya fa a diretswe bone go ba thusa go inamola mo lehumeng la nta e tshetlha, gape e le mananeo a mahala. Rre Botoka o kgadile mokgwa wa go nna fela ga batho sa bone e le go baya mo pusong. A re ke nako ya gore Batswana ba tlogele go nna fela ba sa dire sepe mme kwa morago ba bo ba re ba a sotlega mananeo a ntse a le teng. BOKHUTLHO economy_business_and_finance 3 Ba kopiwa go tsibogela mananeo Kgosi ya Malwelwe kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Kgosi Bokau Tobe, a re go ngomola pelo go bona Batswana bangwe ba sa tseye ka tlhwaafalo dithuso tse di farologanyeng tsa mananeo a puso ntswa puso e dira maiteko a go tlhabolola le go tokafatsa matshelo a bone. Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Tobe o supile fa banni ba motse wa gagwe, bogolo jang banana, ba sa tsibogele go inaakanya le mananeo a ba a beilweng pele ke puso go tokafatsa matshelo a bone ntswa bontsi bo sa ntse bo tshelela mo lehumeng. O boletse fa puso e tlhamile mananeo a a farologanyeng go inola Batswana mo lehumeng a tshwana le LIMID, nyeletso lehuma, le a banana mme fela go tshwenya go bona bangwe ba sa tseye ka tlhoafalo mananeo a, go itlhotlhora lehuma. A re ntswa puso e wetse ke seru sa kwelotlase ya itsholelo, mme gone ga e ipone tsapa go tsibogela go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo mo Batswaneng, a tlatsa ka go supa fa go tshwenya go bona bangwe ba iketlile. A re seemo se, se ngomola pelo fela thata ka jaana puso e tsweletse ka go tlhama mananeo gore tshaba ya Botswana e tswe mo lehumeng, fela go lebega bangwe ba tla folodisa maiteko a, ka ba sa tlhagafalele mananeo Kgosi Tobe o supile fa puso e ka dira gotlhe mo e ka go kgonang go leka go nyeletsa lehuma mo lefatsheng leno mme fela go mo maruding a Batswana go dirisa monyetla o wa mahala go itlhabolola, a supa fa lehuma le itlhotlhorwa ke motho. A re kgang ya nyeletso lehuma e tlhokana le gore setshaba se tshwaragane le puso, a tlatsa ka gore, fa Batswana bangwe ba sa ntse ba iketlile, kgang ya go nyeletsa lehuma e tla nna puo ya molomo fela. A re mananeo a tshwana le la nyeletso lehuma a molemo fela thata fa a ka tlhagafalelwa, e bile a ka solegele moikopedi mosola. Kgosi a re bangwe ba ba dirang ka natla fa ba abetswe mananeo a, go bonala pharologanyo e ntsi fela thata mo matshelong a bone, ka ba kgona go itshetsa le ba malwapa a bone. A re go botlhokwa gore Batswana ka bongwe ka bongwe ba tsenye letsogo mo ntweng ya go nyeletsa lehuma, a bua jalo a gwetlha banni ba motse wa gagwe go emisa mokgwa wa boitseme mme ba tseye mananeo go ikapola lehuma. A re ba dirise mananeo go tlhabolola matshelo a bone a sa ntse a le teng ka gore nako nngwe mananeo ao a tlaabo a sa tlhole a bonwa mahala.Kgosi o tsweletse ka go gakolola Batswana go tshwaragana le puso le go tswa ka maano a go intsha mo lehumeng, a kaya fa mowa wa boipelego o le mosola fela thata ka o kgona go tlhabolola le go nyeletsa lehuma mo setshabeng. BOKHUTLO society 9 Boitseme bo a tshwenya Bodiredi jwa lefatshe leno ga bo dire ka natla go tsisa maduo mo tirong, se se boletswe ke Mopalamente wa Borwa Botlhaba Rre Odirile Motlhale fa a buisa diphuthego mo kgaolong eo bosheng. A re tshekatsheko ya ba World Economic Forum e supile fa lefatshe la Botswana le na le dilo tse dintsi tse babeeletsi ba dikgwebo ba di tlhokang, mme fela le bodiredi bo palelwa ke go tsisa maduo. Mopalamente Motlhale, a re seemo se, se tshwentse le bogogi jwa lefatshe leno ka e bile Tautona Lieutenant General Seretse Khama Ian Khama, o ne a a ama fa a a ntsha pego ya tekodiso ya setshaba ngwaga e e fetileng. Rre Motlhale a re go tlhoka go dira ka natla go kgoreletsa lefatshe leno go ngoka bagwebi ba ba ka thusang go tlhabolola itsholelo. Mo go tse dingwe, Rre Motlhale a re lenaneo la Tirelo Setshaba le tla a simologa ngwaga ono, mme ba ba atlegileng ba tla a letlelelwa go direla mo magaeng a bone. O ne a supa gape fa le sa tlhoke dithutego dipe, gape le dirwa ke banana ba ba dingwaga tse di masome a mabedi go ya go tse di masome a mararo. O tlhalositse fa dikatso tsa banana ba e le P500-00, go bo go nna le P200-00 yo monana a tla mmeelwang go fitlhelela lebaka le a tla tlogelang lenaneo le ka lone. Fela go tlhalosiwa fa lenaneo le, e se tiro mme ngwana a ka le tlogela nako nngwe le nngwe fa a batla. E rile ba mo kgwa kgaba, Balete ba bolela fa ba sale ba solofediwa kago ya borogo jwa noka ya Notwane mo molelwaneng wa lefatshe leno le la Aferika Borwa, ba bo ba tlhalosa fa mesele ya kgopho ya metsi a leswe e sa elele sentle, e emisa metsi go na le go a isa kwa molapong wa Notwane. Ba tlhalositse gore lenaneo la Tirelo Setshaba le tshwanetse la elwa tlhoko la beelwa sebaka se motho a ka nnang mo go lone, ka fa go sa dirwe jalo le ka felela le na le mosuke o montsi. E rile a ba araba, Mopalamente Motlhale a supa fa mo ngwageng ono lenaneo la Tirelo Setshaba le tla a batla banana ba le 15-000 lefatshe leno lotlhe, mme mo kgaolong ya gagwe go setse go ikwadisitse banana ba feta makgolo a matlhano. Rre Motlhale o boletse fa borogo jwa Notwane bo tla a dirwa ke puso ya lefatshe la Aferika Borwa. economy_business_and_finance 3 Makgalemele o atla tiriso ya mananeo Mopalamente wa Shoshong e bile ele mothusa tona wa merero ya ofisi ya ga tautona le bodirela puso, Rre Phillip Makgalemele a re Batswana ba tshwanetse go dirisa mananeo a ISPAAD le Nyeletso lehuma go simolola dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone gammogo le go tokafatsa matshelo a bone. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Dibete bosheng, Rre Makgalemele o boletse gore e re ntswa mananeo ao a ka inola Batswana mo lehumeng la nta ya tlhogo, o swabisiwa ke go bona Batswana ka bontsi segolo jang banana ba eleng bone ba kokonelwang ke botshelo ba goga dinao go a dirisa ntswa a neelwa batho mahala. Rre Makgalemele o tlhalositse gore maikaelelo a babusi ba lefatshe leno ke go dirisa mananeo ao go nyeletsa lehuma ka 2017. O kgothaditse banana go ipopa ditlhopha tse ba ka tsosolosang dikgwebo tsa dikoporase ka tsone ka di le bogadi bo gaufi e bile di le botlhokwa mo go tsosoloseng mhama wa temo-thuo le go tswakanya itsholelo ya lefatshe leno e e ikaegile ka ditswa mmung. Mabapi le tsa ditlhabololo, o tlhalositse fa tautona le khuduthamaga ya gagwe ba ikaeletse go tsenya ditiro dingwe tse di neng di seegetswe kwa thoko mo lenaneong la ditlhabololo tsa bolesome mo go la tsa bolesome le motso gore di kgone go dirwa mo ngwageng wa madi wa 2015/2016 ka jaana go lebega seemo sa itsholelo se tokafala ka bonya ka bonya. Rre Makgalemele o boletse fa mhama wa temo-thuo jaaka wa thuo ya dihutshane, ya dikoko tsa mae le nama, temo ya merogo le maungo ele dingwe tse di ka tlhabololang matshelo a batho le go bulela banana ba lefatshe leno diphatlha tsa mebereko mme a bolela fa sebe sa phiri ele go adima tshwene marapo ga Batswana mo temong ntateng ya go ganelela mo lenaneong la Ipelegeng. E rile ba akgela, banni ba Dibete ba kopa mothusa tona go ba kopela sekidi sa lefatshe mo pusong mo dipolaseng tse di kwa molelwaneng wa thibelo malwetse a leruo kwa Dibete. Ba boletse gore ere ntswa mananeo a Nyeletso Lehuma le ISPAAD a le botlhokwa mo matshelong a bone mathata ke go tlhoka lefatshe le ba ka lemang mo go lone ka jaana naga ya bone ele motlhaba. Ba tsweletse ba tlhalosa fa mathata a mangwe ele tiego ya go isiwa ga didirisiwa tsa Nyeletso Lehuma kwa bathong ntswa ba sale ba rutuntshitswe ka ditiro tse ba di ikopetseng. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 ‘Itshwareng sentle ka paseka’ Malatsi a boitapoloso a papolo ya Morena a tlwaelesegileng ka gore bontsi jwa batho bo tsaya maeto ba ya dikerekeng le go ya go lekola ba masika le ditsala. Mookamela mapodisi a Werda, Superintendent Mompoloki Ramatsia o tlhalositse fa mapodisi jaaka gale ba tlaa bo ba dirile dikganedi tsa tsela go simologa gompieko go fitlha beke e e tlang e le lesome le boherabobedi go tlhomamisa gore molao o a diragadiwa go sireletsa setshaba. Mookamela mapodisi a Werda o ne a gakolola bakgweetsi, badirisa tsela le setshaba ka kakaresto go nna le boitshwaro jo bo eletsagang ka go nna le tirisano mmogo le mapodisi le go tlhoka go itontela bojalwa. O ne a ikuela mo bakgweetsing, bogolo jang ba ba kgweetsang dikoloi tse di pegang setshaba, go obamela matshwao a tsela ka dinako tsotlhe, go tlhatlhoba dikoloi tsa bone mo go tseneletseng go tlhomamisa gore dikoloi tsa bone di itekanetse sentle ka seo se ka thusa go tila go amaega mo dikotsing tsa tsela. Superintendent Ramatsia o ne a gakolola gape bakgweetsi go kgweetsa ka kelotlhoko mo tseleng ya Makopong-Werda ka e na le dikhuti le gore go na le leruo lo lo gobeang le diphologolo tsa naga tse di kgabagayang, bogolo jang fa go le bosigo. A re bontsi jwa metse e e mo Kgalagadi Borwa e bapile le melelwane, ka jalo o supile fa lekoko la mapodisi le sesole ba setse ba le malala a laotswe go dikologa dipolasi le molelwane ba etse seemo tlhoko go tlhomamisa gore ga go na batho bape ba ba kgabaganyang molelwane ba se na dipasa le jone borukutli jwa go tlodisa leruo. Motshwarelela mookamela mapodisi a Tsabong, Assistant Superintendent Keagwetswe Lorato o ne a itebaganya le go gakolola beng ba madirelo go netefatsa gore ba thapile badisa dikago ba ba nonofileng ka malatsi a boitapoloso e le yone nako e dirukutlhi di akanyang go senya. Assistant Superintendent Lorato o ne a ikuela mo go beng ba madirelo go rurifatsa gore letsatsi le letsatsi ba ya go boloka madi kwa dibankeng le go a tshwara sentle mo sephiring gore dirukutlhi di seka tsa a meletsa mathe. O ne a tlatsa ka go gakolola beng ba madirelo a bojalwa go tswala ka dinako tse di letlelesegang le gone go tila go tsosa medumo. Rre Lorato gape o ne a kopa botlhe ba ba tlaa tsayang maeto go tlogela mongwe yo o tlaa salang a tlhokometse mo dijarateng le go dirisa lenaneo la ntebela ke go lebela ka le ka ba solegela molemo. Superintendent Lorato o ne a fetsa ka go eleletsa mongwe le mongwe le setshaba ka kakaretso masego le matlhogonolo a malatsi a boitapoloso a papolo ya morena. BOKHUTLHO religion_and_belief 8 Leruo ke teemane ya Botswana - Digobe Mookamela mapodisi a kgaolo ya borwa, Rre Harrison Digobe o boleletse barui gore loruo ke teemane ya lefatshe leno ka jalo le tlhoka go somarelwa le sirelediwa kgatlhanong le magodu. Rre Digobe o boleletse barui, ba kgaolo ya District No. 4, e e akaretsang Woodhall, Lobatse, Ramatlabama le Goodhope bosheng gore itsholelo ya lefatshe, e ikaegile ka leruo. O buile se kwa bokopanong jwa barui le mapodisi jo bo neng bo tshwere go ba tsibosa ka bogodu jo boileng magoletsa jwa loruo mo kgaolong ya borwa. O tsweletse a bolela gore morafe le mapodisi ba eme ka dinao go lwantsha mmaba ebong bogodu jwa leruo. A re bogodu jwa leruo bo tshwana fela le borukutlhi bongwe le bongwe, mme le fa go ntse jalo go na le lekalana le le tlhomilweng go itebaganya le borukutlhi jo. O tsweletse a bolela gore mapodisi ba tsaya dikgang tsa bogodu jwa loruo ka tlhwafalo, a tlatsa ka gore go tlhoka tshwaragano ya morafe le mapodisi. A re fa borukutlhi bo diragetse go abo go na le mongwe yo o boneng tiragalo eo, a tlatsa ka gore barui ba tshwanetse go itsa le go fema bogodu jo jwa leruo. Fa a latlhela la gagwe, Senior Assistant Commissioner Emmanuel Dikgomo, go tswa kwa lekalaneng le le itebagantseng le go lwantsha bogodu jwa leruo, o rotloeditse barui go bopa dikomiti tsa barui, mme gape di dira fela jaaka tsa twantsho borukutlhi tsa ntebela ke go lebele. A re bone ba ka dira ntisetsa ke go disetse. O tsweletse a re, bogologolo go ne go sena matimela batho botlhe bane bana le matshwao a diruiwa tsa bone gape ba itse leruo la bone, A re e ne ya re fa leruo lo tsene mo kgaolong, go sa itsewe mong wa lone, gone go itsisiwe Kgosi. A tlatsa ka gore tota go ne go le bonolo gore mong wa loruo , a kgone go le bona. Senior Assistant Commissioner Dikgomo o rotloeditse dikomiti tsa barui go ikopanya , gore ba thusane go disa. A re komiti e ya barui, e na le boikarabelo jo bo fetang jwa pele, a tlatsa ka gore ba ele tlhoko gore bangwe mo teng ke dilalome, go O tsweletse a gatelela gore ntisetsa ke go disetse e botlhokwa fela thata, ka gore fa ba tshwere legodu ba ka dirisa lebante go mmofa, gore ba sepodisi ba le fitlhele foo, a re kana Setswana sa re sekukuni se bonwa ke sebataladi. A re ba batla go itse gape gore komiti e, e kopana jang leng, kae, go itshekatsheka, go bona tse ba dikgonang le gore tse dipalang ba ka dira jang. Senior Assistant Commissioner Dikgomo a re a loruo lo rekwe sentle, fela go salwe tsamaiso yotlhe ee siameng morago. O tsweletse a rotloetsa barui gore ba eme sentle ba nne le mananeo a ba ka emisang magodu go dira maikaelelo a bone. O tladitse ka gore ba amogane dikgang tse di diragalang, a fa sekai gore ngwana o tla abo a nna le dikgomo a sa bereke mme a sena tshipi, a bo a itirela tshipi ya gagwe. A re botsadi bo tshwanetse go botsa ngwana o tsaya kae dikgomo a sa dire gope. A re a batho ba seka ba amogwa di tsa bone, a tlatsa ka gore komiti ya barui e tlhoka go nosediwa, ba kopane ba abelane maatla go thusana, a re ka na Motswana fa a re o humile o raya kgomo. Mongwe wa barui go tswa kwa Kanngwe,Rre Mosimanegape Balesamang o lebogile thata mapodisi go ba thusa go tlhokomela ditsa bone. A tlatsa ka gore bontsi jwa sebaka go utswiwa dikgomo di isiwa kwa dintshong, a re twantsho borukutlhi jo e tshwanetse go simolola ka barui. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Monna o bolailwe Monna mongwe wa dingwaga tse di lesome le borobabongwe wa Extension 27 kwa Gaborone, o bolailwe ke motho mongwe yo o sa itseweng mo kgotleng ya Sefoke kwa Tlokweng. Mogolwane wa mapodisi a Tlokweng, Superintendent Lebalang Maniki a rre yoo, o ne a buledisitse mongwe ka koloi ka nako ya bone mo mosong, mme e ne ya re yo a buledisitsweng a sena go tsena mo ntlong, a utlwa mong wa koloi a kua . O boletse fa e rile ba tabogela kwa koloing ba fitllhela rre yoo a tshologa madi, mme ba mo ragosetsa kwa sepateleng kwa ba fetileng ba tlhomamisediwa fa a tlhokafetse. Mapodisi a tsweletse ka ditlhotlhomiso go bona se se ka tswang se diragetse. E ntse e le gone kwa Tlokweng, mapodise a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone lekawana le boneng ntsa e gogagoga sengwe se go lebegang e le lesea kwa kgotleng ya Dipshwega. O bolela fa lekawana leo le ne la bitsa bagolo go tla go bona tiragalo eo. O kopile bomme go tlogela go latlha masea a ba a belegang, mme a ba kgothatsa go kopa thuso mo go ba boipelego fa ba na le mathata. Mo go tse dingwe, mapodisi a Tlokweng ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone magodu a le mararo a kgothositseng marekisetso a Payless madi a a sa itseweng, kwa Tlokweng Old Mall. Tiragalo e, e diragetse kgwedi eno e le lesome le bongwe ka nako ya borobabobedi bosigo. Supt Maniki o kopile setshaba go ba batlisa manweenwee ao, a tlhalosa fa go sena molato o o ka diragalang mongwe a sa itse. O kopile setshaba go begela mapodisi dikoloi tse ba bonang di tsamaya di sena dinomore. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Matlapeng o inaakantse le lenaneo Mananeo a nyeletso lehuma, a ka bontsi a tsamaisiwang ke dikhansele, go supega a tswa tema. Mme Mmaletsatsi Matlapeng yo o tlholegang kwa Mochudi o ne a seka a ipona tsapa go ikatametsa kwa go ba boipelego ba kgaolo ya Kgatleng go ikwadisetsa lenaneo la kapei. O boletse gore pele a ikwadisetsa lenaneo le, o ne a bereka kwa Shoppers a apaya mme mongwe wa ditsala tsa gagwe a mo rotloetsa go ya go ikwadisetsa lenaneo la nyeletso lehuma la kapei kwa khanseleng ka jaana a na le bokgoni jwa yone. A re le ntswa a ne a bereka, lehuma le ne le ntse le mo apere mme a reetsa thotloetso ya tsala ya gagwe a bo a ya go ikwadisetsa lenaneo leo ngwaga oo fetileng, jalo a simolola kgwebo ya gagwe ngwaga ono ka Tlhakole kwa Rasesa. A re ba simolotse ba le babedi ba tsentswe ke khansele mo ditlhophaneng gore ba dire botlhe go fitlha dingwaga tse tlhano, mme ka go tlhoka go berekisana sentle, ba kgaogana mongwe le mongwe a simolola go itirela a le nosi. O tsweletse a re kgwebo e ne e tsamaya sentle fa ba simolola ka jaana ba ne ba na le lefelo le le siameng le ba neng ba direla mo go lone e bile gape ba ne ba apaya dijo tsa phakela le tsa motshegare. A re mo nakong eno o kgona go apaya dijo tsa motshegare fela mme o na le keletso ya go apaya le tsa phakela, bothata jwa gagwe ke gore o bereka a le nosi ka jalo a ka se kgone go di apaya tsotlhe. A re o duela koloi e e mo tseelang dijo P40 tsatsi le letsatsi go mo tsaya kwa lwapeng le gone go mmusa mme seo se mmusetsa kwa morago ka se ja mo dipoelong tse a di dirang. O tsweletse a re go ka bo go le botoka fa a ne a na le lefelo le a apeelang mo go lone a bo a rekisetsa teng gape. A re fa e sale a simolola go itirela a le esi ka Mopitlo, o rekisetsa fa pele ga khansele ya Kgatleng, mme fa a direlang teng go mo siametse ka jaana a le gaufi le batho ba bantsi ba ba mo rekelang mathata o na le letlhoko la didirisiwa di tshwana le dijana, ditafole le ditilo gore batho ba kgone go jela foo ba bo ba tsamaya fa ba fetsa. O tlhalositse gore e rile fa a simolola go apaya, khansele ya mo fa gase mme e rile e fela a seka a ipona tsapa ya go rwalela dikgong gore a apaye ka tsone. O supile fa a sa kgone go apaya sentle ka dikgong ka jaana a sena dipitsa tse di apayang kwa isong gonne tse khansele e di mo fileng ele tse di apayang fela mo setofong. Le fa ntswa a kopana le dikgwetlho mme gone o lebogela thuso e khansele e mo e fileng gonne o tsweletse sentle fela thata.BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Batho, dipitse le ditonki di iteisanya borathana E rile bosheng kwa motsaneng wa Metsibotlhoko mo kgaolong ya Boteti ga bo gole mo dikgaisanong tsa mabelo a a farologaneng a maikaelelo a one eleng go rotloetsa batho go itlhatlhobela mogare wa HIV/AIDS le go tsibosa borre ka botlhokwa jwa go rupa. Go ya ka mongwe wa barulaganyi ba dikgaisano tseo, Rre Marks Mokhowe wa mokgatlho o o ikemetseng o lwantsha mogare wa HIV/AIDS, ba ne ba ipeetse seelo sa go tlhatlhoba batho ba ka nna lekgolo le sephatlo le fa go ntse jalo ba kgonne go tlhatlhoba ba ka nna masome a matlhano le boferabobedi fela. A re seo ga se kake sa ba nyemisa moko ka tota Batswana ka kakaretso ba na le go tsibogela selo ka bonya. O tlhalositse gore ikwadiso ya go tsenelela mabelo e ne e pateletsa gore yo o batlang go gaisanya a itlhatlhobele mogare pele mme a fiwe sesupo se jaanong se mo fang sebaka sa go taboga kana go tabogisa pitse kgotsa tonki ya gagwe. Rre Mokhowe o tlhalositse gore mosola wa go itse seemo sa mogare ke gore motho o ka ithophela go tshela sentle ka mogare kana fa ele gore ga a na one a iphapha. A re dikgaisano tseo di botlhokwa ka go taboga ele nngwe tsela ya go sidila mmele e bile go sireletsa go amiwa ke malwetse mangwe jaaka a pelo. E ne e rile a amogela baeng mo motseng wa gagwe, Kgosi Bafentse Moatsheng a tlhalosa fa a itumeletse gore motse wa gagwe o bo o tlhophetswe go tshegetsa tiro eo, a re seo se supa fa le bone puso le makala a a ikemetseng ka nosi ba sa ba lebala. Kgosi Moatsheng o rotloeditse banni go itlhatlhobela mogare gonne le fa o fitlhetswe mo mothong, o ka tshela lebaka ka puso e thusa ka diritibatsi. A re go tshela o sa itse seemo sa gago ga se selo se se siameng ka motho oa go lemoga gore botsogo jwa gagwe bo mo diphatsheng a setse a tsena ka lebitla. O tsweletse a re mabelo ao, e ne ele matlhagola tsela a kgaisano e e tla a tshwarwang ka letsatsi la boipuso . Mogolwane go tswa kwa ofising ya taolo ya mogare wa HIV/AIDS mo kgaolong ya Letlhakeng, Rre Onkabetse Ntswetswe o galaleditse batho ba motsana oo mo tirisanong mmogo le ba ba neng ba rulaganya tiro eo a bo a ba kopa go inaakanya le mananeo a mangwe a puso jaaka a go sireletsa masea go angwa ke mogare. Mo dikgaisanong tseo, Rre Thokofatso Mokgwathi wa motse wa Khudumelapye o gapile maemo a ntlha mo letlhakoreng la dipitse fa Rre Obert Kemokweni ene a gapile a bapagami ba ditonki. Mme Iponeng Sebolai o gapile maemo a ntlha mo lebelong la bomme fa la banana ba basetsana lone le gapilwe ke Mme Kemelo Raselepe. Rre Jobe Gaotsholwe o fentse lebelo la borre mme Rre Seipoko Sehubanyana a tsaya maemo a ntlha mo letlhakoreng la basimane. BOKHUTLO health 6 Lekoko le tsweletse ka go tsaya megopolo Leloko la lekoko le le tsayang megopolo mo bathong go aga tebelopele ya setshaba ya 2036, Rre Eagilwe Segosebe, a re batsweletse ka rerisa Batswana mabapi le go aga tebelopele e ntsha. Rre Segosebe a re megopolo e e tswang mo Batswaneng e tshwanetse go bo e itebagantse thata le dintlha tse setshaba se eletsang gore di bo di fitlheletswe ka 2036. Rre Segosebe a re go tlhoka gore setshaba se tswe ka megopolo ya gore ba eletsa Botswana yo o ntseng jang ka ngwaga wa 2036 le gore Motswana ene a bo a lebega e le motho yo o ntseng jang ka tebego le seemo, a tlatsa ka gore megopolo e e ntshiwe go ntse go akanngwa gore go baakanyediwa ba e leng bana mo nakong eno le ba ba tlaa tsholwang. Mongwe wa banni ba Phitshane Molopo, Mme Johannah Lenkokile o ne a re ba eletsa gore ka ngwaga wa 2036 mongwe le mongwe a bo a itekanetse, a re mananeo a a tshwanang bo Ipelegeng le a go phepafatsa tikologo a fetoge e nne ditiro tsa sennela ruri. O ne a kopa gape gore dingwaga tse bagodi ba simololang go fiwa madi a itshetso ka tsone di fokodiwe go tswa kwa go masome a marataro le le botlhano go nna dingwaga tse di masome a marataro fela. Mme Lenkokile a re mananeo a puso a itshetso ka ngwaga wa 2036, a fetolwe ka fa a tsamaisiwang ka teng gore botlhe ba kgone go a akola. A re seemo sa thuto se ngomola pelo mo nakong eno ka jaana bana ba fetisediwa kwa mephatong e mengwe ba sa pasa, a re mme selo se se dira gore bana ba palelwe le ke gone go ipatlela tiro, a re fa ngwana a sa kgona a boelele mophato wa thuto go fitlhelela a fenya ditlhatlhobo. Mme Nankie Modise ene o ne a re fa a lebeletse seemo sa nako eno ke kgwetlho, bogolo jang ka ga ba na metsi mo motseng wa bone a re ba eletsa go bona ba dule mo lenyoreng. Mme Modise a re gape ga ba na motlakase a re ba dirisa dikerese tse a reng di tsenya matshelo a bone mo diphatseng ka jalo keletso ya bone ke go bona ba na le motlakase mo motseng wa bone ka ngwaga wa 2036. A re ba latela ditlamelo tsa botsogo kgakala se a reng se dira gore ba seka ba itekanela, a re ba eletsa go tlisediwa ditlamelo tsa botsogo gaufi le kwa batho ba teng. A re go okediwe dikole gore di nne gaufi le bana ba seka ba tsamaya mosepele o moleele, a re ba kopa go agelwa mmolo mo Phitshane - Molopo, le ditlamelo tse dingwe tsa puso gore ba seka ba tsamaya mosepele o mo leele ba di latela. O tsweletse a re ba eletsa gore bana ba bone ba rutege ba bereke ba fetole matshelo a batsadi ba bone le bone. Kgosi Pekene Sekwenyane wa Phitshane Molopo a re o eletsa gore ka ngwaga wa 2036 dikgosana tsa tetlanyo di bo di duelwa, a re ba tshwanetse go nna le sesupo sa dituelo tsa bone [payslip] jaaka mmereki mongwe le mongwe wa puso. Kgosi a re selo se se dirwa ke gore ba jela madi mo ganong ka ba amogela ka seatla,gape ga ba na gone kwa ba beelwang madi a bagodi teng [pension] morago ga go tlogela tiro. society 9 Sekate o tlhabantsha lehuma ka bojang Go ikaega ka puso le go sa ipelega ke dingwe tsa dilo tse di tlhotlheletsang lehuma. Go tlhalositse jalo Mme Maitshwarelo Sekate yo o itshetsang ka go kgetla bojang a bo a bo rekisa. Mme Sekate, yo o tlholegang kwa Khudumelapye mme a nna kwa masimong a Matsuke gaufi le Molepolole, o tlhalositse fa e rile a thibelela kwa Matsuke a fitlhela banni ba le mo dikgwebong tse di farologaneng jaaka go rekisa dithomeso,dipale,dikgong, bojang le dijo tse di tswang mo tshimong. A re ene o ne a kgatlhegela kgwebo ya bojang ka e ne e supa fa e le bogadi bo gaufi mme a simolola go kwatabolola mo go ba ba mo go yone. A re bojang fela jaaka ditsa tlholego tse dingwe bo na le nako e bo kgetliwang ka yone. O tlhalositse fa bojang bo kgetliwa morago ga paka ya fa go fetswa go robiwa dijo mo masimo. O supile fa bontsi jwa nako e le paka ya mariga. Mme Sekate a re Batswana ba reka bojang mo go ene ka dipalo tse di nametsang mo e bileng a kgona go tshetsa ba lelwapa la gagwe le go kgetha P160 yo khansele e mo lopang kgwedi le kgwedi mo go ba ba mo kgwebong ya go kgetla bojang ba bo rekisa. O tlhalositse fa a rekisa bojang jwa motsikiri, seloka le jwa tsikitshane. A re ngata ya bojang jwa tsikitshane le seloka jo bo dirisiwang go rulela matlo a Setswana o e rekisa P25. A re motsikiri o bontsi jwa nako o dirisiwang mo go ruleleng dikago tsa dihotele le meriti a o rekisa P10 ngata e le nngwe. Mme Sekate yo o dingwaga di masome a matlhano le bosupa a re se se dirang gore kgwebo ya gagwe e dire sentle ke go bo a le fa tlase ga tsela ya Letlhakeng/Molepolole. O supile fa badirisi ba tsela eo e le bone bareki ba gagwe. E re ntswa kgwebo ya gagwe e ntsha maduo a a nametsang, a re ponelopele ya gagwe ka kgwebo ya gagwe e supa se se farologaneng le se a se bonang gompieno. A re o na le letshogo la gore mo dingwageng tse di fa pele kgwebo ya go rekisa bojang e ka nna ya wela ko tlase ka go bo Batswana ka bontsi mo bogompienong ba aga dikago tsa sesha tse di rulelwang ka disanke le dithaele. economy_business_and_finance 3 Boora Phakalane ba otlolola letsogo Rre Mothokomedi Othoilwe yo o tshelang ka bogole o sa tswa go abelwa ntlo ya kamore e le nngwe, e e agilweng ka P22 947 mo Letlhakane. E rile a bua kwa tirong ya go aba ntlo eo, mothusa modulasetilo wa khansele ya legare yo gape e leng mokhanselara wa Letlhakane Botlhaba, Rre Ketshwereng Galeragwe o supile fa tiro e e dirilweng ke borra Phakalane e se selo sese motlhofo. Rre Galeragwe a re Rre Steve Phakalane o supile mowa wa lorato le kutlwelobotlhoko, ka e le tsone di mo gwetlhileng gore a dire tiro ya mofuta o. A re go dira tiro e ga go reye gore motho o aba a nna le madi a mantsi, a re o solofela gore batho ba bangwe batla ithuta mo go bone. Rre Galeragwe a re Rre Phakalane o dirile ditso, e bile o arabile mokgosi wa ga Tautona wa lenaneo la go agela batho ba ba tlhokileng lesego matlo. A re ntlo e, e tlaa balelwa mo matlong a a agetsweng batlhoki. Rre Galeragwe a re ntlo e fa motho serite, a tlatsa ka gore fa motho a sena bonno jo bo siameng, ga nne le serite ka jalo a lebogela mpho e. Rre Phakalane o boletse fa a kopanye le Rre Othoilwe ka 2005, ba tshela mmogo a mo tsaya jaaka monnawe kana ngwana wa gagwe. Rre Phakalane a re ba ne ba mo thusa ka tsele le tsele, mme ya re ngwaga ono ba tswa ka moono wa gore ba mo direle sengwe se se tona e bile e le sa sennela ruri. A re ke kamoo ba mo agetseng ntlo gore e re le mogang ba kgaoganang le ene a sale a ba gopola ka yone. E rile a tswa la gagwe, Rre Othoilwe a supa fa a lebogela lorato le borra Phakalane ba le mo fang, a tlhalosa gore o kgona go tsamaya le bone kwa gaabo. E rile a lebogela mpho e, mmaagwe Mme Rabecca Thapalalo a re o leboga borra Phakalane go bo ba ratile ngwana wa gagwe ka seemo sa gagwe. A re o lebogela mpho ee abetsweng ngwana wa gagwe, a re ga ana mafoko a kalo fa e se boitumelo fela, a tlatsa ka gore modimo ke ene a segofatsang matsogo a bone ka jaana gotwe go sego letsogo le le abang. BOKHUTLO politics 7 Banni ba galaleditse puso Banni ba masimo a Pyetle, Matlhakola le Sobe kwa kgaolong potlana ya Moshupa ba galaleditse puso go bo e ba thusitse ka mananeo a akaretsa la Ipelegeng le temo-thuo go tlhabolola matshelo a bone kwa masimong. Banni ba buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Moshupa, Rre Mokgweetsi Masisi , yo o neng gape a ba lekodisa ka melawana e fetisitsweng kwa palamenteng le go tsaya megopolo go e isa kwa palamenteng e e tlang. Ba lebogetse gore banana ka bontsi ba amogetse dipudi ka lenaneo la LIMID, ba bolela fa di tlhokomelesegile sentle, e bile bangwe ba solofetse go gokelelwa sediba. Ba re ba itumeletse gape go tsenyediwa diterata tse di kgaoganyang masimo le mafudiso. Le fa banni ba ipela ka mananeo a puso thata jaana, ba boletse fa ba dikile ba lemile ka bontsi mme sebe sa phiri ele gore diphologolo tsa naga tse di sireleditsweng ke puso di ba upuditse. Ba boletse fa ditholo, ditshwene, diphiri, bophokoje, bonkwe le dinoko di ba apesitse kobo ka letshoba le mororo puso e ne e ba thusitse ka botswapelo. Ba re lephata la diphologolo ga le ba thuse ka gore ba tshaba go di bolaya ka e le molato. Le fa go ntse jalo, banni ba Pyetle ba ngongoregile ka tsela ya bone e e dirwang ka Ipelegeng, ba re e maswe fela thata mme seemo se gakaditswe ke dipula tse di fetileng. Banni ba kopile gore ba thusiwe go katolola letamo la bone ba bo ba fiwe baithaopi ba mapodise go thusa mo borukutlhing. Banni ba Matlhakolabone ba tlhalositse fa lenaneo la nyeletso lehuma le thusitse bangwe ba bone fela thata. Ba kopile gore ba direlwe matsibogo mo molapong o o gaufi le bone gore ba kgone go tlolela kwa Moshupa, fa bangwe ba kopile gore puso e ntshe lenaneo la go epela batho masimo ka gore batho ba gana go bereka mo masimong. Bangwe ba supile fa ba amogela molao kakanyetso o o fetisitsweng kwa palamenteng wa tlhakanelo dithoto ba re o siame le fa bangwe ba re banyalani ka fa baebeleng ke selo sele sengwe ka jalo ga ba a tshwanela go kgaogana. Kwa masimong a Sobe, banni ba amogetse go direlwa terata ya masimo le mahudiso e ntsha, mogotlha, go kgaola ditlhare mo tseleng e e yang Moshupa le go direlwa motshelakgabo. Bagodi ba lebogetse go okelediwa madi a dikamogelo gammogo le go lemelwa mahala ke puso mme ba ngongorega ka dikgomo tsa matimela tse di sa phuthiweng, ba tlhalosa gore di ka bo di bilediwa beng ba tsone ka gore di na le tshipi le omang jalo go motlhofo go itse beng ba tsone mo sebalamakgolong. Ba ngongoregile ka lephata la kabo ditsha la Moshupa ba re le diega go abela batho lefatshe la bonno. Ba bolela fa bontsi ba nna le batsadi mme go nne le dikgotlhang. Ba kopile go gokelelwa sediba sengwe se se bapileng le bone. Le fa go ntse jalo, mopalamente Masisi o galaleditse banni ba masimo ao go bo ba dira ditlhabololo ba tsentse moko dinameng mme a ba rotloetsa go rema masimo a bone gore ba a dirise ka gore batho ba le bantsi ba batla masimo a a sa dirisiweng go a dirisetsa temo. O boletse fa Botswana e santse e tlhaelelwa ke madi mme a solofetsa gore fa itsholelo e ka tokafala ba tla thusa thata mo go tse di batliwang ke banni. O tsweletse a tlhalosa gore go santse go na le mathata a tlhaelo ya metsi mo Botswana ka kakaretso mme a supa fa metsi a tla gogiwa kwago tswa bokone jwa lefatshe leno go tla borwa. Bokhutlo society 9 Ba gwanta kgatlhanong le dipolao Mokgatlho wa #SireletsaKgatleng mmogo le banni ba Kgatleng e rile ka Matlhatso ba gwanta kgatlhanong le dipolao tse di tsereng phekelo e sele mo kgaolong ya bone. Fa a simolodisa mogwanto oo, motshwarelela bogosi jwa Bakgatla, Kgosi Bana Sekai o tlhalositse fa dipolao di tshwentse thata mo kgaolong mme go tshwanetse ga tshwaraganwa ga kopiwa thuso mo go Ramasedi. O lebogile ba mokgatlho go bo ba bone go tshwanela gore ba bitse banana ka bone ka e le bone ba amegang thata mo dipolaong tse gore ba tle ba itseele ka tsebe gore ba ka bona dithuso kae. Kgosi Sekai o kopile morafe gore o seka wa fela pelo gore karabo ya selelo sa bone e tlaa tla leng ka Modimo o sa arabe ka bofefo mme karabo yone e felela e le teng. O kgothaditse morafe gore ntwa ga e fenngwe ka bontsi e fenngwa ke gore tumelo e kae mo go ba ba leng teng, a tlatsa ka go re ba nne ka tsholofelo ya gore tsotlhe di tlaa boela mannong. Kgosi Sekai o kopile morafe go tsaya karolo le go kgothatsa botlhe ba ba sa kgonang go tla mogwantong gore ba itse fa go na le makalana a a thusang ka diemo tse ba leng mo go tsone. Mokhanselara wa Bophirima, Rre David Motlhatlhedi o tlhalositse fa polao e simolola fela ka dilo tse dinnye jaaka titeo le matshosetsi mme e diragadiwe fa mongwe a sa tsee tshwetso e e maleba. O tlhalositse fa e le nako ya gore batho ba itse fa mongwe le mongwe a na le maikutlo mme a tshwanetse go batla tsela ya go a laola gore a seka a ikutlwisa botlhoko le go utlwisa ba bangwe botlhoko. Rre Motlhatlhedi o tlhalositse fa kutlobotlhoko e bakwa ke motho mme e bile e baakanngwa ke motho ka go bua fa a kgopisegile le go ikopa maitshwarelo gammogo le go ikokobetsa fa a lebisiwa molato go itsa tlhoka kutlwisisanyo. O tlhalositse fa go nna bofefo go akanyetsa batho le go ba atlhola e le gone go felelang go baka tlhoka kutlwisisanyo mme go ka kganelwa ka go botsa le go reetsa mabaka a a a fiwang ke ba bangwe. Rre Motlhatlhedi o kopile setshaba go itshekatsheka gore ba kgone go itse makoa a bone le gore ba ka leka go a laola jang gore ba seka ba felela ba bolaya kana ba ikgapela botshelo. Moeteledipele wa mokgatlho wa #SireletsaKgatleng, Rre Mpho Tau o boletse fa e le nako ya go fa Batswana thuto e e tseneletseng ka go gapa botshelo ka e le molato o motona o o supilweng le mo Baebeleng gore motho ga a a tshwanela go bolaya ope le gone go ikgapela botshelo. O kopile banana gore ba fetole maitsholo a bone a a sa siamang ka e le one a felelang a ba tsentse mo molatong wa polao. Rre Tau o kopile morafe go sireletsa ba ba tshelang le bone fa ba bona ba sa sireletsega ka go ba kopela dithuso ka go sa direng jalo go tshwana fela le go tsaya karolo mo polaong. O lebogetse boeteledipele jwa motse go bo ba tsweletse ka go ba tshegetsa e le banana, go ba fa dikgakololo le go thusa ka se ba se tlhokang gore ba nne le kgaolo e e sireletsegileng. Rre Tau o boletse fa ba tlaa tswelela ba isa thuto ya motia mo setshabeng go fitlhelela go nna le pharologanyo mo dipalong tsa dipolao tse di tsweletseng ka go golela pele. Moemedi wa bana ba sekole se segolwane sa Molefi, Rapula Phuti o tlhalositse fa a sa itse gore fa e le botsadi, bana le barutabana ke mang yo o sa direng dilo sentle ka botlhe e le baanelwa bagolo mo maitsholong a baithuti. O tlhalositse fa bana ba sekole sa Molefi ba sena maitseo mme boeteledipele bo tshwanetse go ema ka dinao ba tseye kgato e e maleba ka go tlhoka tsebe e le gone go felelang go baka tlhakatlhakano mo motseng. A re baithuti ba tsena kwa sekoleng morago ga nako e e beilweng, e le ditiro tsa ka bomo ka ba fiwa madi a sepalamo mme ba ikgethele go ema mo ditseleng ba emisa dikoloi tse di fetang le tsela gore ba dirise madi mo dilong tse di sa siamang jaaka nnotagi. Rapula o tlhalositse fa go le maleba gore boeteledipele jwa motse bo tle kwa sekoleng go batla tharabololo ya seemo ka Setswana se re lore lo ojwa lo sale metsi. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Molema-thite ga se mhudi Mananeo a nyeletso lehuma a thusa Batswana go itlhotlhora lehuma la nta ya tlhogo. Tshekegelo le tiriso ya mananeo a nyeletso lehuma a tshwana le a thuo ya dihutshane, dikoko le go dira tshingwana ya merogo go tshegeditse Batswana go itsa go wela moo isong. Tiro kana mananeo a nyeletso lehuma a go itshetsa ka tlhokomelo ya leruo a tsweletse ka go tsisa pharologanyo mo matshelong a Batswana ebile a dira sentle. Monana gape e le monni wa Tutume mo kgotleng ya Selolwane, Mme Kgomotso Bawani yo dingwaga tse di masome a mabedi le boraro, o akgotse thata mogopolo yo o neng wa ntshiwa ke tautona Rre Ian Khama wa go thusa baba dikobo dikhutswane ka mananeo a a farologaneng. Mme Bawani yo sa kgonang go nna lesego ka tsa thuto o boleletse BOPA ka dikgwetlho tse a kopanang le tsone ka ntlheng ya go tlhoka tiro le go tlhoka lesego mo go tsa thutego. Mme Bawani yo saleng ka a fetsa dithuto tsa gagwe tsa mophato wa boraro ka ngwaga wa 2009, a re o ntse a tshela botshelo jwa yo o dithetsenyana. A re e re ntswa gone go sa lomagane mo botshelong, ga a ka a nna maoto a tshupa one a tswa ka maano a go itshetsa. Mme Bawani a re o ne a itlama go simolala lenaneo la nyeletso lehuma, ka go ikopela dikoko tsa mananeo a nyeletso lehuma. A re koko jaaka seruiwa sa mo gae se motlhofo go bona tlhokomelesego. Mme Bawani a re lemororo a simolotse ka palo potlana ya dikoko isago ya gagwe e tshotse go le gontsi. O tlhalositse fa se e se tsela ya masi le mamepe a dinotshi. Mme yo dingwaga tse di masome mabedi le boraro o ne a kaya gore o lebagane le dikgwetlho di tshwana le bogodu ja leruo. A re borukkutlhe jwa go utswa leruo bo mo amile le ene, e re moragonyana a santse a akabetse ga wa seru sa bolwetsi jwa korobela jwa dikoko. Mme Bawani o boletse fa ane a seka a nna le boitlhobogo, ka tsela tsotlhe dinale manokonoko a tsone. O ne a bua a sa kgale mathe ka tiro e ntle e neng a e direlwa ke ba lephata la botsogo jwa diphologolo, ka go mothusa ka melemo ya bolwetsi le go mo okeletsa dikoko se ele go mo phimola dikeledi mo ditiragalong tse a iphitlhetseng a le mo go tsone. A re dikgorelatsi di a bo di sa reye gore motho a nyeme moko a tlogele se se mo tshetsang. O ne gape a kopa gore Batswana jaaka ene ba latlhe mokgwa wa go solofela phetelela ga ba simolola dikgwebo tsa bone. Mme e re letlepu le baneng ba le solofetse le sa diragale ba bo ba rwala matsogo mo tlhogong. Mme Bawani a re batho ba rata tiro tse di bogadi bogaufi, ka maduo a ponyo ya leitlho ntswa ba sa ikgata monwana wa kgonope mo tirong. O boleletse BOPA fa a bereka ka bobelo kgale, a itita ka thupana go itlhotlhora lehuma. Mme Bawani o tlaleleditse ka gore ga se morui wa dikoko fela o bone go tshwanela gore a itirele tshingwana ya merogo. A re o solofetse gole gontsi mo thuong ya gagwe le ga e ntse le gone e simololang ngwaga ono o simolola. O ne a rotloetsa banana ka e ne gore ba lese go potlakela go bona maduo, ka lepotlapotla le ja podi, modikologi o ja pholo e tona. A re go aga setshaba se se tsweletse se nale maduo a mantle Batswana ba tshwanetse go dirisa ditlamelo tse di leng teng mo lefatsheng la bone. O ne a gatelela gape gore morafe wa Batswana o itshepe, o nne le tumelo mo bokgonning le bodiragatsi jwa bone. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ditsela di tlaa tewa maina Dikgosi tsa Mahalapye di amogetse mogopolo wa badiri ba lephata la ditsela mo khanseleng, wa go bitsa ditsela tsa motse maina. Dikgosi di amogetse mogopolo o mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke bagolwane bao go lekodisa baeteledipele ba motse ka maikaelelo a go bitsa ditsela tsa motse maina. Kgosi Alexander Modise wa Mowana, Kgosi Nelson Dipatane wa Konyana le Kgosi Segolame Diseko wa Parwe ba re le fa ba itumelela mogopolo wa go bitsa ditsela tsa motse maina ba tshwenngwa ke gore dingwe tsa tsone di dikhuti fa tse dingwe e le mebila e e sa kgoneng o tsamaega ka e le dikgokgotshwana. Ba re khansele e tshwanetse go baakanya ditsela tseo pele ga di ka bidiwa maina le go rerisana le morafe ka kgang eo ka e le bone ba tshwanetseng go tswa ka maina a ba bonang a lebane go reelela ditsela. Kgosi Dipatane o rile ere ka jaana go bitsa ditsela tseo ka maina a batho go ka tsosa dikgotlhang, o bona gole botoka ditsela tsa Mahalapye di ka reelelwa ka maina a diphologolo le dinonyane. E rile mogolwane wa ditogamaano tsa ditlhabololo tsa khansele ya kgaolo potlana ya Mahalapye Mme Godiramang Motlhagodi a tsibogela ngongorego ya dikgosi mabapi le go tlhoka go rerisiwa ga morafe ka kgang eo, a bolela fa ba setse ba kile ba kopanela kgang eo le dikgosi gammogo le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse. Mme Motlhagodi o boletse fa maikaelelo a bone ele go tshwara diphuthego mo dikgotlaneng tsotlhe tsa motse wa Mahalapye go lekodisa morafe ka mogopolo wa go bitsa ditsela tsa motse wa bone maina gore le bone ele banni ba Mahalapye ba kgone go nna le seabe. A re ditsela tseo di ka bidiwa ka maina a batho, diphologolo, dinonyane le dimela tsa tlholego jaaka ditlhare, makhubu le dinoka, mme a re ga go a tshwanela gore ditsela tseo di ka bidiwa ka maina a tsamaelanang le phathi epe ya sepolotiki ka go dira jalo go ka tsenyang kgotlhang fa gare ga morafe. Mme Motlhagodi o boletse fa gole botlhokwa gore ditsela tsa metse e metona jaaka Mahalapye di bidiwe maina a ka kgonang go kaela baeng segolo jang bajanala kwa ba ba tlang go ya teng le go kaela batho kwa mafelong a ba ka bonang dithuso teng jaaka kokelo, dikokelwana, kappa ya mapodise le tse dingwe. A re maina a ditsela a botlhokwa ka jaana a kgona go thusa ba dibetso tsa tlholego jaaka ba sepodise le ditima melelo go potlakela kwa mafelong a ka tswang a amilwe ke ditiragalo di tshwana merwalela, dikotsi tsa tsela le go tlhagoga ga melelo. Mogolwane wa lephata la ditsela mo khansele Rre Bafiti Monkatswi o boletse fa maina a ka dirisiwang go bitsa ditsela ele a diphologolo, dinonyane, dimela, makhubu, dinoka le maina a batho ba ba tlhokafetseng e bile ba diretse setshaba ka bokgabane le botswerere, mme a bolela fa maina a batho ba ba santseng bale mo botshelong a ka dirisiwa fela fa go kopilwe tetla kwa go tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae. politics 7 Ngami o ipaakanyetsa boipuso Mothusa molaodi wa kgaolo ya Ngamiland, Mme Angelina Leano, a re boipuso jwa ngwaga ono bo tshwanetse go nna pharologanyo ka e le jo bo faphegileng. Mme Leano o buile seo mo phuthegong ya kgotla ka Labone kwa kgotleng kgolo ya Maun, a tlhalosa boipuso jwa ngwaga ono bo na le sekao se segolo ka ele ngwaga tse pedi fela pele ga tebelopele ya setshaba ya 2016. O kopile morafe go tshwaragana le badirela puso gore ba nne le boipuso jo bo pharologanyo le dingwaga tse di fetileng. A re go tshwanetse ga ipelwa ka ditiragalo tse di farologaneng di akaretsa motshameko wa kgwele ya dinao, mmabontle wa borre le bomme ba ba tshotsweng ka 1966 le maitiso a dijo tsa Setswana. politics 7 Ba lela ka go hirwa ga bana Banni ba Bray mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba re ba tshwentswe ke bo-radipolase bangwe baba hirang bana. Ba buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla ee neng e tshwerwe ke mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo ma gae ebile ele mopalamente wa kgaolo, Rre Frans Van Der Westhuizen kwa motseng wa bone bosheng. Mothusa tona o ne a le mo leetong la kgaolo go leboga batlhophi gobo bamo rumile goya go emela keletso tsa bone kwa palamenteng le goba bolelela gore puso e tshotse tshwetso ya gore ha gona go duelwa lekgetho mo didirisiweng di tshwana le diterekere, mashi le gore dikgwebo tsedi potlana tsedi dirang dipoelo tsedi kwa tlase ga sedikadike le tsone gadi duele lekgetho gareng gat se dingwe. Fa batswa la bone banni ba supile faba itumelela mopalamente wa bone gore abo a tlhophilwe go nna mothusa tona.Mongwe wa banni Rre Goitsemodimo Bosigo ene one are o tshwenngwa ke boradipolase bangwe ba ba senyetsang bana bokamoso ka goba hira, a tlhalosa fa se ele sone se dirang gore bana ba tshabe dikolo mme ba sieele kwa dipolaseng. A re sese ngomolang pelo ke gore ba sale ba ikuela ka kgang e mme ha gona kgato ee tsewang keba molao.Fa aba kgwa dikgaba mopalamente o boletse fa matshwenyego ao ase masha mme ba lekile gotlhe mo baka go kgonang go emisa seemo seo jaanong ba paledisiwa tiro eo ke batsadi ba bana ka ba latola gore ha gona tiro ya mohuta oo. O kopile banni go tshwaraganela kgang e le puso ka jaana esa siama.Molaodi wa Kgaolo ya Kgalagadi Rre Moemedi Letina le ene one a supa faba itse matshwenyego ao mme a tlatsa ka gore sengwe sa dilo tsedi ba direlang tiro bokete go tseela boradipolase dikgato ke gore ha gona sesupo sa gore ba hirile bana ba ba nnang mo dipolaseng tsa bone. O supile fa bana baba tsenyang dingalo thata ele ba ba kwa sekolong se se golwane sa Werda, a supa faba sia kwa sekolong mme baye go nna le batsadi ba bone kwa dipolaseng.Le ene o supile ha kgang e eka henngwa hela ha botsadi boka nna seopo sengwe mme ba berekisana le puso goe hedisa. society 9 Monna wa Zimbabwe o bolailwe ke yo mongwe Mapodisi a Good Hope a mo letsomong la rre mongwe wa letso la Zimbabwe go ba thusa ka ditlhotlhomiso tsa leso la rre yo mongwe wa letso la Zimbabwe yo go bolelwang a bolailwe beke eno. Ramapodisi wa Good Hope, Rre Mogomotsi Kwapa o tlhalositse gore e rile maabane ba begelwa tiragalo e borre ba letso la Zimbabwe ba neng ba tswa maitisong mmogo kwa Mmathethe, mme ba tsena mo jarateng nngwe go reka motsokwe fa tiragalo e e diragala. Superintendent Kwapa a re banni ba motse ba tlhalositse fa ba utlule fela borre ba ba ne ba omana ka segabone, me go bolelwa fa yo mongwe a ne a ntsha tshipi e e bogale a tlhaba yo mongwe fa lebeleng. E rile a sena go dira jaana a ipha naga. O tlhalositse gore tiragalo e e diragetse kwa kgotleng ya Tebogo kwa Mmathethe. O tlhalositse fa ba le mo letsomong la rre yo go bolelwang a nna mo masimong mangwe go bapa le Gasegwagwa. Superintendent Kwapa o tlhalositse fa ba tsene mo letsomong la go batla rre yo. O tlhalositse fa ba santse ba tlhotlhomisa le dingwaga tsa bone, ka tiragalo e e diragetse maabane bosigo.Ends crime_law_and_justice 1 Magodu a apesitse barui kobo ka letshoba Barui kwa motseng wa Pitsane mo kgaolong ya Goodhope - Mabule ba lela ka bogodu jwa leruo jo bo ileng magoletsa mo motseng wa bone. Ba ntshitse matshwenyego a bone kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo Rre James Mathokgwane. Banni ba boletse fa bogodu jo bo akaretsa go utswiwa ga loruo jaaka dikoko, dipudi, dikgomo le dithoto tse dingwe jaaka dikoloi. Baagi ba re se se ngomolang pelo ke gore ba setse ba iphotlhere ka jaana bontsi bo amogwa leruo la bone mo masakeng. Rre Ngomi Amos yo e leng moagi wa Pitsane, o kopile morafe gore ba kopanele go lwantsha borukutlhi le mapodisi. Rre Amos o tsweletse a re bogodu jo bo dirwa ke bana ba mo motseng ka jalo go tlhoka gore motsadi mongwe le mongwe a nne le seabe le go tsibosa ba sepodisi fa a belaela sengwe, bana ba kgalemelwe kana go tsewe dikgato tse di maleba. O ne a tlatsa ka gore mapodisi a Pitsane a lobaka a berekela teng jaanong magodu ba setse ba itse metsamao ya ba sepodise gammogo le makoa ape fela a ba ka tswang ba a itemogetse mo go ba sepodise. Go ya ka Mokhanselara wa Pitsane, Rre Lazarus Ncube mo potsolosong le ba lekalana la dikgang, o tlhalositse fa bogodu jo bo dirwa ke bana ba Pitsane ba kopane le ba Aferika Borwa. O tlhomamisitse fa mo bogautshwaneng, ba ne ba amoga mongwe wa magodu ao dikgomo tse nne tse a neng a ya go di tlodisa molelwane. Rre Ncube o rurifaditse jalo gore ba setse ba kgonne go tsaya dikgomo tsedi fetang lekgolo tsa bogodu tse di neng di tlodiseditswe kwa Aferika Borwa le dipudi di le masome a mararo le bone. Le fa go ntse jalo, o tlhomamisitse fa bangwe ba beng ba diruiwa ba setse ba di neetswe. E rile a akgela ka bogodu jwa leruo, Rre Mathokgwane o kopile morafe go dirisana le mapodisi a bo a tlatsa ka gore go fudusa mapodisi kgapetsa kgapetsa go na le ditlamorago, a tlatsa ka gore fa mapodise a na le lebaka le le leele mo motseng, go siame ka gore fa go diragetse borukutlhi jwa mofuta mongwe ba kgona go itse gore ba ka batlela babelaelwa kwa kae. crime_law_and_justice 1 Mokhanselara o kgala batsadi ba Chadibe Mokhanselara wa kgaolwana ya Chadibe/Borotsi/Matlhako, Rre Gabarutwe Maboka, o kgadile batsadi ba ba rontshang bana go tsena sekole ka go ba tsaya ba ya go nna le bone kwa dipolaseng. Mokhanselara Maboka o kgadile seemo se fa a ntsha mafoko a kgothatso kwa moletlong wa kabo dimpho kwa sekoleng se sebotlana sa Chadibe bosheng. A re go le gantsi fa dikole di tswala, batsadi ba ba dirang kwa dipolaseng ba na le mokgwa wa go tsaya bana ba bone gore ba e go jela malatsi a boitapoloso kwa dipolaseng mme e re fa dikole di bulwa ba bo ba sa ba busetse kwa sekoleng. O supile fa gantsi bana ba ba amegang thata e le ba ba abong ba emetse maduo a lokwalo lwa bosupa go ya go tsweledisa dithuto tsa bone kwa sekoleng se segolwane sa Mokobeng. Mokhanselara Maboka o tsweletse ka gore bangwe ba bana bao ba felela ba thapiwa mo dipolaseng tseo le ntswa dingwaga tsa bone di sa letle gore ba bereke, a re go thapa ngwana yoo kwa tlase ga dingwaga ke molato. O ne a supa fa bangwe ba bana ba, ba basetsanyana ba felela ba ima ba ntse ba le gone kwa dipolaseng, selo se a reng se baya matshelo a bone mo diphatseng ka mebele ya bone e a bo e ise e tie. Rre Maboka a re batsadi ba tshwanetse go betlela bana ba bone botshelo jo bo eletsegang ka go ba rotloetsa go tsena sekole le gone go bona gore ba dira sentle kwa sekoleng. O ne a tswelela ka go kgala bana ba e reng ba tsena kwa sekoleng se segolwane sa Mokobeng ba bo ba simolola boitshwaro jo bo duleng mo tseleng ka jaanong ba sa nne le batsadi ba bone ba nna mo sekoleng. O ba kgothaditse go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo, selo se se ka ba betlelang isago e e eletsegang. A re ba dirise sebaka sa go nna mo sekoleng go tokafatsa maduo a bone. education 4 Batswana ba tshwanetse go itlhokomela ka keresemose Batswana ba kopilwe go nna le boikarabelo ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha. Fa a bua mo phutegong ya kgotla kwa Taung ya go eleletsa morafe malatsi a mantle a keresemose, Kgosi Lebogang Masie o supile fa e le malatsi a a molemo thata. O ne a tlhalosa fa ba tshwenngwa ke gore ka malatsi a keresemose bangwe ba baka kutlobotlhoko ka dintwa, nnotagi le dikotsi. Kgosi Masie o ne a gakolola morafe go fetoga ka 2018. A re se se ka thusa motse go gatela pele. Sub Inspector Rebaone Matshaba wa sepodisi mo Ramotswa o supile fa tiro ya bone e le go lwantsha borukutlhi. A re ba lemogile gore ka malatsi a botsalo jwa Morena, dikgang tse di amang thata ke tsa dikotsi tse di felelang di baka tatlhegelo ya botshelo. Sub Inspector Matshaba o ne a tlhalosa gore dikotsi tse di amang Batswana di bakwa ke go nwa, go tsaya diritibatsi le go taboga ka lebelo le le kwa godimo. O ne a gakolola morafe gore ba tshwanetse go obamela matshwao a tsela ka dinako tsotlhe. O kopile setshaba go nna le boikarabelo le go kgweetsa sentle go tlhokomela matshelo a bone le a bapagami. BOKHUTLO society 9 Mosolotshane o nyorilwe Banni ba motse wa Mosolotshane mo kgolong ya Shoshong ba lela ka selelo sa letlhoko la metsi le le aparetseng motse wa bone. Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamete wa bone yo e bile e leng mothusa tona wa tsa Merero ya Ofisi ya ga Tautona le bodirela puso Rre Philip Makgalemele, kgosi ya motse oo Kgosi Tsietsego Molefhi o supile fa motse wa gagwe o apesitswe ke lenyora. Kgosi Molefhi a re batho ba motse wa gagwe bam o lenyoreng le le tlhomolang pelo, mo e leng gore ka nako tsa dipula jaana ba nwa metsi a a leswe a matamo ga go sena se b aka se itirang. O ne a tlhalosa gore e re ntswa go na le sediba se se ba nosang mo motseng wa gagwe, o ipotsa gore a bothata bo katswa bo tswa mo babereking b aba se pompang kgotsa jang ka nako tse dingwe ba re ga go na disele ka na jang. A re gape e re le tswa bangwe ba dueletse go gokoelwa dipompo mo malwapeng, kompone e e ba sielang metsi ga e potlake go gokelela banni dipompo, a supa fa bangwe ban ale ngwaga tse tharo ba ntse ba duetse go gokelelwa mme go se na nko e e tswang lamina. Mo go tse tse dingwe Kgosi Molefhi o ne a tlhalosetsa mothusa tona gore motse wa gagwe o paretswe ke letlhoko la dipalamo bogolo jang thata le yone kgotla e sena koloi. Fa a tlatsa mo go tsa dipalamo, o ne a tlhalosa fa ba sale ba kopile gore tsela e e ba tshwaraganyang le Moralane a baakanngwe mme le motlha ono. Le fa go ntse jalo, Kgosi Molefhi o ne a tlhalosa fa kwelo tlase ya itsholelo gongwe e le yone e dirileng gore gongwe dikeletso tsa bone e bo di diegile go ka arabiwa. Kgosi Molefhi o ne gape a lela ka tlhaelo ya mapodisi mo motseng wa gagwe, selo se a reng se baka gore borukutlhi boye magoletsa. A re mapodisi a motse wa gagwe a palo potlana mme a fekeediwa ke seemo se se ileng kwa godimo sa borukutlhi a kopa mopalamente gore a b aka se okeletswe ka mapodisi a nakwana-Special Constables. Mo go tse dingwe Kgosi Molefhi o ne a kopa mopalamente gore a kope ba lephata la thekiso go etela motse wa gagwe, a supa gore go nale dikgwebo tse dintsi tsa bojalwa mme ba tlhokana le go tla go tlhalosetswa that aka dinako tsa thekiso. Fa a bua ka temo , Kgosi Molefhi o ne a tlhalosa fa mono ngwaga temo mo motseng wa gagwe o ile ko tlase ka go sena digogi gape balemi ba le boitseme go dirisa melwana e mesha ya temo jaaka go lema ka mela. A rebalemi ba motse wa gagwe bontsi ba bone bat la go gasa mme ka jalo ga ba a lema. Fa bua ka tsa ditlhabololo tsa motse, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motseMme Nkitso Keikwale o ne a bolela fa motse wa Mosolotshane o ne wa ikgapela sekgele sa ntlha go di ga isa tshotlhe mo metseng e e phepa. Mme Keikwale o ne a tlhalosa fa se ba se kgonne ka go bopagana le boithaopo ga banni go bona gore motse wa bone o nna phepa. Fa a bua ka tsa kwa sekoleng se se botlana, Mme Keikwale o ne a tlhalosa fa sekole sa bone se se botlana se dirile go tlala ka diatla ka ban aba dikile ba pasitse fela thata. Le fa go ntse jalo modulasetilo o ne a kopa mopalamente gore ba kopa gore kokelwana ya bone e dirilwe phaposi ya pelegi ka bomme b aba itsholofetseng ba nna ba ntsi mo motseng wa bone. O ne a kopa gape gore ba okelediwe matlwana a borutelo kwa sekoleng a supa fa bana le bone ba le bantsi kwa sekoleng. Fa a ba kwa dikgaba, Rre Makgalemele o ne a akgola ba motse wa Mosolotshane go bob a ne ba ikgapela sekgele le maduo a bana kwa sekoleng. Rre Makgalemele a re se se supa one mowa wa popagano le tirisano mmogo, a tlatsa ka gore maduo a bana a supa fa botsadi le bone bo eme ka dinao go bone gore ba nna le seabe mo dithutong tsa ban aba bone. Rre Makgalemele o ne a tlhalosetsa banni ka melawana e e builweng kopalamenteng, e akaretsa gore fa ngwana a kolota sekolo a seka a tlhoka go fiwa setlankana go ka tshweledisa dithuto tsa gagwe a supa fa thuto e le khumo. O ne a ba tlhalosetsa gape le ka gore maungo, merogo le dijo dingwe go sa tlhole go tsenngwa VAT mo go tsone ka di lebotlhokwa fela thata mo botsogong jwa motho. O ne a ba gakolola gape gore go botlhokwa go lema ka ditsela ka go bo go lemogilwe fa maduo a teng a le mantle e bile a ntsha dijo tse di ntsi. Mo tse dingwe Rre Makgalemele o ne a ba tlhagisa ka gore palamente e kopa megopolo ya gore go ka laolwa jang seemo se dikereke di runyang ka teng mo lefatsheng leno. BOKHUTLO society 9 Omang ke selotlolo Karata ya Omang ke selotlolo se se bulang dikgoro. Mafoko a, a builwe ke tona ya pereko le selegae, Rre Edwin Batshu fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Sehithwa mo kgaolong potlana ya Okavango bosheng. Tona o tlhalositse fa e le tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe go nna le Omang, ka o tla kgona go mmulela dikgoro di tshwana le go bona dithuso tsa mananeo a puso e a beileng pele. “Omang ke letshwao la gore o Motswana”, ga bua jalo Tona Batshu. Tona a re go a swabisa gore e be ka sena sebaka go bo go na le batho ba ba senang omang. A re gangwe le gape fa batho ba setse ba godile ba ise ba dire bo omang go a sokodisa ka go batla bosupi jo bontsi. O gakolotse bogosi jwa motse gore ba nne kelotlhoko ka dikgang tse le gone gore fa ba fa bosupi ba rurifatse ka gona le dirukutlhi tse di batlang go tsaya karata ya omang ntswa e se Batswana. A re gangwe le gape dikgosi di na le go dira diphoso ba baya monwana fela ba sena bosupi mme se se ba tsenye mo mathateng. Rre Batshu o ile a gakolola morafe fa go le maleba gore fa ngwana a sena go digela dingwaga tse di lesome le borataro a bo a rotloediwa go dira omang ka le gone go tla mo dira motlotlo gore ke Motswana. O tlhalositse gape fa se, se le motlhofo ka ngwana o a bo a sa ntse a le monnye, jalo a ka supelwa motlhofo. A re Batswana ba tshwanetse go itlwaetsa thata go obamela melao le boatlhodi, a tlatsa ka gore seo se ka tshegetsa kagiso le thokgamo e e renang mo lefatsheng leno. Tona o amogetse fa dingongora di le teng mme a tshwaela gape ka go supa fa puso e leka ka gotlhe go itumedisa morafe ka nako tsotlhe. A re kgang ya go tlhoka go rekisa dikgomo le bone e a ba tshwenya, ke ka moo bo tona Christian De Graaf ba nnang ba tsamaya le mafatshe go leka go ba batlela mmaraka. Kgosi ya Sehithwa, Kgosi Boitiro Dithapo, o tlhalositse fa ba itumeletse loeto la ga tona mme a kaya fa ba sa ntse ba tshwenngwa ke kgang ya go tlhoka diofisi tsa bodirelapuso, a bua fa mo e sa ntse e le boitseme jo bogolo. Kgosi gape o ledile ka bodiredi, a re ga bo lekane. Kgosi a re o eletsa fa ba ka utlwa gore go tsamaya kae ka kgang ya gore motse wa Sehithwa o dirwe kgaolo potlana. E rile a tsibogela dingongora tsa ga kgosi, Mothusa molaodi Mme Angelina Leano o tlhalositse fa ba sa ntse ba emetse phetolo go tswa kwa ofising e tona ya bone, a tlhalosa mme gore se a se itseng ke gore kgaolo potlana ba ne ba kopile gore e nne Shakawe mme Sehithwa yone e nne lefelo la ditirelo (service centre). Dikgang tse go ile ga supa di sa tsaya baagi sentle mme ka jalo tona Batshu a laola gore bodiredi bo tle go tlhalosa kgang e sentle gore baagi ba itse gore boammaruri ke eng. Bokhutlo politics 7 Badirelapuso ba botlhokwa - Ntlhaile Mopalamente wa kgaolo ya Jwaneng-Mabutsane, Rre Shawn Ntlhaile, a re badirelapuso ba na le seabe se segolo mo go godiseng itsholelo ya lefatshe gammogo le go tlisa ditlhabololo. E rile a bua kwa phuthegong e a neng a buisa badirelapuso mo Jwaneng bosheng, Rre Ntlhaile a re go botlhokwa gore jaaka moeteledipele wa kgaolo a ba lekole a bone gore ba tshwere jang tiro ya puso le gone go utlwa ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone. A re e re ka jaana badirelapuso le baeteledipele ba sapolotiki ba itlamile go isa ditirelo kwa setshabeng, go tshwanetse ga nna le tshwaragano ga reng ga bobedi jo go bona gore go tokafadiwa jang ditirelo. A re ere ntswa dikgwetlho di se kake tsa fedisiwa ka ponyo ya leitlho, go di tshwaraganela go ka thusa go tla ka maano a go di rarabolola gore maitlamo a go thusa Batswana a tle a atlege. O ne a kopa gore go nne le tirisanyommogo fa gare ga maphata a puso gore le didirisiwa tse di leng teng di aroganngwe gore tiro e tswelele. O ba rotloeditse gape gore ba nonotshe boloko jwa bone kwa makgotleng a babereki gore a tswelele ka go gakolola puso ka fa babereki b aka thusiwang ka teng go dira tiro ya bone ka manontlhotlho. Erile a mo kgwa dikgaba, Rre Mothusiemang Malwetsi wa lephata la makgotla a Setswana a re ere ntswa badirelapuso ba le botlhokwa mo go humiseng lefatshe, mo Botswana go lebega ba beilwe ka fa mosing. A re go lebaka le leleele badirelapuso ba lefatshe leno bas a okelediwe dituelo ntswe ditlhwatlhwa ko mabentleleng tsone di gola kgapetsa kgapetsa. A re ere ntswa go dirilwe maiteko a gore dikgang ts badirelapuso di buelwe kwa khuduthamageng ya Bargaining Council, selo se ga se ise se solegele badirelapuso ka sepe ka jaana dikgang tsa bone ka bontsi ga di atlege. O kopile gore puso e ititeye ka thupana e supe fa e lemoga seabe sa badirelapuso mo go godiseng itsholelo ya lefatshe leno gore le bone ba tle ba kgothatsege. A re ere ntswa a amogela gore go ne ga nna le kwelotlase ya itsholelo mo dingwageng tse di fetileng, go tshwanetse jaanong ga supa pgarologanyo ka jaana itsholelo e supilwe fa e tokafetse. Rre Masolotate Balefi go tswa kwa lephateng la ditsela tsa khansele ene o ne a bolelela mopalamente fa letlhoko la boroko jwa badirelapuso mo toropong ya Jwaneng le gakadiwa ke gore puso e tsaya lobaka lo lo leele go aba ditsha tsa bonno. A re go tshwanetse ga fefosiwa kabo ya ditsha gore batho ba kgone go ikagela ba santse ba bereka ba le dithata gore seemo sa boroko se tokafale. Mo godimo ga moo, o ne a tlhalosa fa ditsha tsa toropo di le dinnye mo go kgoreletsang beng ba tsone go gweba ka tsone gore ba kgone go bona letseno la madi. E ntse ele mo dikgannyeng tsa boroko, Mme Batlare Mmapadi ene go tswa kwa khanseleng o ne a ngongorega ka matlo a a itsegeng ka leina la Samaphaleche a a senang motlakase le diheke. O ne a kopa gore bogolo ba tsenyediwe diheke ba kgone go tswalela loruo lo lo gobeyang mo toropong ka gore lo a ba senyetsa. O ne gape a tlhalosa fa bana ba ba nnang kwa Samaphaleche bas a kgone go ithuta sentle ka jaana go sena motlakase. Kwa bokhutlong, mothusa mokwaledi wa khansele ya Jwaneng Rre Leano Mokete o ne a lebogela mopalamente mowa wa therisanyo o ka one a boning go tshwanela gore a tle go lekola badirelapuso ba toropo eo. A re therisanyo e ke nngwe ya ditshetlana tse di nonosang puso ya batho ka batho e lefatshe leno le itsegeng ka lone. Le fa go ntse jalo, Rre Mokete o ne a kopa gore dikgwetlho tse dingwe tsa badirelapuso di ne di buisanngwa kwa diofising tsa bone ka go farologana gore di batlelwe tharabololo. A re dipuisanyo tsa mohuta o di ka thusa gona le gore go emelwe diphuthego tsa mopalamente. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Batsadi ba kopiwa go fa bana lerato Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana kwa sekoleng se sebotlana sa Gobojango, Mme Keorapetse Mmapetla o kopile batsadi go fa bana lerato gore ba kgone go ithuta ba sosologile. O buile ka Labotlhano (Ngwanatsele a le malatsi a le mane), kwa sekoleng seo gore go tlhoka go duelela bana sekole go kgona go dira gore ngwana a seka a ithuta sentle mo go ka dirang gore a felele a palelwa mo dithutong tsa gagwe. O kopile batsadi go ikitaya ka thupana go bona gore bana ba tla sekoleng ba le phepa ka dinako tsotlhe. A re o lemogile gore bontsi jwa batsadi ba dira kwa lenaneong la ipelegeng ka jalo ba theogela pele ga bana ba ya sekoleng. Mme Mmapetla a re seo ga se a tshwanela go itsa batsadi go tlhomamisa gore bana ba ya sekoleng ba le mo seemong se se kgatlhisang pele ga ba ka ya go tlheogela kwa ipelegeng. A re batsadi gape ga ba tsene diphuthego ka dipalo tse di itumedisang mme se e le sesupo sa letlhoko la go tlotla sekole. Mme Mmapetla a re batsadi ba tshwanetse go tlhaloganya gore barutabana ba le nosi ga ba kake ba kgona ngwana mme fa barutabana ba tshwaraganetse ngwana le batsadi go ka tlhofofaletsa ngwana tiro ya gagwe ya sekole. Mo dikgangnyeng tse dingwe Mme Mmapetla o tlhaloseditse batsadi gore komiti ya bone e tsere tshwetso ya go tshwara leruo le le jang ditlhare tsa sekole mme beng ba lone ba le rekolole ka madi a a kanang ka P50. A re ba tsere tshwetso e ba sena go itemogela fa dipodi di le dintsi di tsena mo sekoleng mme di senya mekgabisa le go ja ditlhare. E rile a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole seo, Mme Tsholofelo Olatotse a kopa batsadi go apesa bana paka ya sekole e e farologaneng go ya ka malatsi a beke. A re bana ba phakisitswe paka ya sekole botlhe ke mopalamente wa kgaolo Rre Shaw Kgathi mme o kopile go apesa bana paka eo. education 4 Dikgang tsa bogosi di a tshwenya - Sekai Motshwarelela bogosi jwa Bakgatla, Kgosi Bana Sekai a re magosi a Botswana ka kakaretso ba tshwentswe ke dikgang tsa bogosi. O buile jalo kwa peong ya kgosana, Major Seth Ramatlhakwana wa kgotla ya Morokologadi kwa Malolwane ka bosheng. Kgosi Sekai a re e setse e le selo modiro go lwela bogosi mo gae, a supa fa ene mo kgolong ya gagwe, a fitlhetse go sena mo gontweng kgosi o a tlhophiwa. “Nna ke itse gore gone go supiwa kgosi fa mongwe yo o ntseng e le kgosi a tlhaetse ka bogodi, bolwetse kgotsa a tlhokafetse, ditlhopho ke itse e le tsa mapolotiki e seng tsa bogosi,” ga gatelela kgosi. O supile fa a tsere kgato ka go rerisanya le Kgosikgolo Kgafela gammogo le puso ka dikgang tsa go tlhophiwa ga dikgosi, mme botlhe ba dumalane fa go se kake ga tlhophiwa kgosi mo Kgatleng ka e se ngwao. Kgosi Sekai a re o itumedisiwa segolo bogolo ke go tlhongwa ga rre yo o tswang kwa sesoleng, yo o itseng ka boitshwaro gammogo le setho, a tlhalosa fa Barokologadi ba le lesego go nna le kgosana wa seemo seo. O ba lebogetse go bo ba le moono mo go tlhomeng kgosana, go sena dikgogakgogano. Fa a ntsha lefoko la kgothatso mo boemong jwa ba lelwapa, Rre Cornelius Ramatlhakwana o tlhaloseditse Kgosana Ramatlhakwana fa boeteledipele e le selo se sekgatlhang, a mo kopa go etelela morafe wa gagwe motlhofo, go bopa maikarabelo a bone gammogo le go ba akaretsa mo tshwetsong nngwe le nngwe e a e tsayang. O mo rotloeditse go ikgolaganya le morafe gore a seka a busa a le nosi kwa bothokong, a mo kgothatsa go ikanya Modimo, gore a tle a mo fe botlhale jaaka Kgosi Solomon. O ne a wetsa ka go re a tlotle morafe gore le bone ba mo tlotle, a reetse tsotlhe tse ba di mmolelelang, ka go twe mafoko a kgotla a mantle otlhe. Fa a latlhela la gagwe, Kgosi Letsebe Mpete o tlhalositse fa Major Ramatlhakwana a tsena mo thulaganyong e e bokete ya bogosi. “O ikobe fa pele ga Barokologadi ka ke bone ba ka go rwalang ka magetla kgotsa ba ka go digang fa o sa batshware sentle. O ne a leboga Mohumagadi Francinah Maotwe, yo e leng ene a duleng ka mogopolo wa go rulaganya moletlo wa peo ya kgosi. Fa a amogela baeng, kgosi wa Malolwane, Rre Esron Bogatsu o ne a leboga Kgosi Sekai go bo a ne a seka a ipona tsapa go nna mongwe wa basupi mo go tlhongweng ga ga Kgosana Ramatlhakwana. Fa a ntsha la gagwe, Kgosana Ramatlhakwana o ne a leboga Barokologadi go bo ba bone go tshwanela gore ba tlhome ene mo setilong. O ne a ba kopa go dira le ene sentle gore ba tle ba tsweledise tse di amang kgotla ya bone, a re o tla ba reetsa ka nako tsotlhe, mme a kope thuso fa a sa kgoneng teng. Major Ramatlhakwana o bewa jaana morago ga go tlhokafala ga ga Kgosana Mokgophe. society 9 CTO e kokoanya madi go aga ntlo Badiri ba lephata la dipalamo tsa puso (CTO) ba kgaolo ya Legare ba ne ba phuthaganetse kwa Nata go itshidila mmele, go phepafatsa tikologo ya motse oo le go rekisa dijo le dinotsididi go kokoanya madi a go tsweledisa kago ya ntlo. Mogolwane mo lephateng la CTO kwa Francistown, Rre Chairman Basupi, a re ba kokoanya madi a go feleletsa kago ya ntlo e ba e agelang mo-na-le-bogole kwa Butale mo kgaolong ya Bokone Botlhaba. Rre Basupi a re bokopano joo bo ba kopanya e le badiri ba CTO go nna seopo sengwe gore ba kgone go bereka ka mowa o le mongwe ba le setlhopha go diragatsa tema e ba e itshegetseng ya go agela mongwe yo o tlhokileng lesego mo botshelong ntlo e a ka bayang tlhogo mo go yone. O boletse fa tiro ya ntlo eo e simolotswe e bile e ruletswe go saletse gore ka madi a ba tla a kokoanyang ba gokele motlakase le metsi mme ba solofetse fa ba tlaa e aba ka kgwedi ya Phalane monongwaga. Rre Basupi o tlhalositse gore tiro e tona e ba neng ba e dira ya go phepafatsa tikologo e ne e le go lebogela batho ba Nata kamogelo le kemo nokeng e ba e supang ka go ba rotloetsa le ka go ba rekela tse ba di rekisang go kokoanya madi. O tlhalositse fa e le lekgetho la bobedi ba tshwara tiro ya mofuta oo mo motseng oo, mme maduo a ba a boneng e ne e le a a nametsang thata ke gone ka moo ba boileng gape. A re ka jalo ba bone go tshwanela go leboga seo ka go phepafatsa motse ka ba dumela fa mabogo dinku a thebana. A re go aga ntlo eo ba ne ba araba boikuelo jwa ga Tautona jwa gore ba ba kgonang ba thuse ba ba dikobo dikhutshwane. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Balemi kwa Bogogobo ba eletsa go lema Banni ba Bogogobo kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba ngongoregela temo e e kwa tlase monongwaga ka ntlha ya letlhoko la diterekere tse di ba lemelang le pula e e boutsana. Ba buile jalo kwa phuthegong e e neng e tshwerwe ke mokhanselara, Rre John Lentshikang, kwa Bogogobo bosheng. Balemi ba ne ba bua ba sa kgwe mathe ka bonya jwa boraditereke. Ba boletse fa keletso ya bone e le gore puso e ba thuse ka diterekere tse di ka kgonang go ba lemela. Ba re le ntswa mmu wa kgaolo ya bone o sa nonofela dijwalo e bile pula e le boutsana, ba eletsa go lema dijalo dingwe tse di kgonang go gola mo mmung wa sekaka jaaka mmidi, dinawa, marotse le magapu. Mokhanselara o boletse fa matshwenyego a bone ka tsa temo a tlaa fetisetswa kwa lephateng le le lebaneng gore ba tle ba kgone go rarabolola mathata a bone. O tlhalositse fa temo e le botlhokwa mo matshelong a Batswana ka kakaretso ka ba ka kgona go ijesa le go rekisa mo boemong jwa gore ba reke kwa Aferika Borwa. Rre Lentshikang o boletse fa temo e ka tokafatsa itsholelo ya kgaolo e bile e ka ntsha ba le bantsi mo lehumeng. A re le fa temo e sa ba sologele molemo, batho ba ka itshetsa ka tse di kgonegang kwa kgaolong ya Kgalagadi jaaka leruo. O ne a tswelela ka go kgothatsa morafe go ikwadisetsa lenaneo la LIMID le gore ba le tsee ka thwaafalo le go dira ka natla fa ba bone thuso mo go lone. A re o itumedisiwa ke gore ka ngwaga wa 2012, banana ba kgaolwana ya gagwe ba le 66 ba ne ba thusiwa ka lenaneo le. O tlhalositse gore ba le 63 ba tswa Kolonkwaneng fa ba le bararo bone ba tswa kwa Bogogobo. Le fa go ntse jalo, morafe o ngongoregela tlhwatlhwa ya podi ya P500 ba re e kwa tlase mme ba eletsa fa puso e ka oketsa madi ao gore ba kgone go boelwa. O ne a rotloetsa banana ba ba thusitsweng mo mananeong a mangwe go tswelela ka go duela go ya ka fa ditumalanong, go itsa morokotso o o ka ba imelang. economy_business_and_finance 3 Lenaneo le nosa moroki metsi Mogwebi wa Werda kwa Kgalagadi, Mme Sarah Tites, o ngongorega ka bareki ba ba sa dueleng sentle ka ba felela ba isa dipoelo tlase. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Tities yo o thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go itlhamela madirelo a go roka ka 2013, o boletse fa a tseere tshwetso ya go rekisa dilwana tsa gagwe ka sekoloto ka gore o ne a batla go bona kgwebo ya gagwe e runya. Mme Tities a re banni ba Werda ba e leng boremelelo jwa bareki ba gagwe, ba leletse ruri ka ditlhwatlhwa tsa diaparo tsa gagwe le ntswa a dirisa seelo se se lekanyeditsweng le ditlhwatlhwa tsa bagwebi ba bangwe mo motseng. Mo nakong ya gompieno, Mme Tities a re lolwapa lwa gagwe lo rwele mokoa wa diaparo tse a feditseng go di dira mme beng ba tsone ba santse ba le maoto a tshupa go tla go di golola. O kaile fa a ipoleletse gore o tlaa isa matshwenyego a gagwe kwa kgosing mo nakong e e sa fediseng pelo ka a lemogile fa go nna moriti o tsididi ga gagwe go ka seke go mo thuse ka sepe. Dingwe tsa diaparo tse Mme Tities a di dirang ke dipurapura tsa bana ba ba alogang mo sekoleng sa bananyana, paka ya sekole, diaparo tsa bagolo le gone go baakanya tse di senyegileng. O tsweletse ka go bolela fa go betla marokgwe e le botsipa jo a bo ithutileng mo mogwebing mongwe kwa Tsabong. “E ne e re fa ke filwe tiro ya go direla bana ba sekole se sebotlana sa Sam Mackenzie ke fe Rre mongwe wa mogwebi kwa Tsabong bontlha bongwe jwa go betla marokgwe. E rile nako ntse e tsamaya ka lemoga fa le nna ke na le bokgoni jwa go dira tiro eo. Ke moroki wa mmantswitswidi fa ke bua le wena jaana,” ga bolela Mme Tities. Fa ntse a le mo kgwebong, mme Tities a re o ne a ya go ikoketsa kwa Madirelo Training Centre kwa Gaborone ka 2006 mo lobakeng lwa dibeke tse thataro. Dithuto tseo di mo thusitse thata ka botsipa jo a bo amuleng o ne a bo fetisetsa mo baneng ba gagwe ba le bone ba mo thusang mo kgwebong. Mme Tities, yo o dingwaga tse di masome marataro le bongwe, a re le fa bareki ba sa diragetse ditumalano, madinyana a a a bonang a kgona go kaba diphatla fale le fale. O boletse fa go itumedisa go bo a kgona go ipona a na le seabe mo go tsiseng madi jaaka mongwe le mongwe ntswa e le mogodi. “Ka P200 yo ke kgonang go mo dira ka beke, ke mo seemong sa go duelela metlakase le gone go reka dijo tota.” BOPA economy_business_and_finance 3 Saleshando o kopa Batswana go ikwadisetsa ditlhopho Balatedi ba diphathi tse di ikopantseng tsa kganetso tsa Umbrella for Democratic Change (UDC) le Batswana ka kakaretso ba kopilwe go ikwadisetsa ditlhopho tsa setshaba tse di tlaa tshwarwang ngwaga o o tlang. Kopo e, e ntshitswe ke mothusa moeteledipele wa UDC yo gape e leng moeteledipele wa Botswana Congress Party, Rre Dumelang Saleshando mo phuthegong ya phatlalatsa kwa Palapye bosheng. Rre Saleshando a re UDC e ka tlisa tharabololo mo dikgwetlhong tse di aparetseng lefatshe jaaka letlhoko la ditiro le kwelo tlase ya maduo a dikole. A re UDC e kopa dingwaga tse tlhano fela go tloga ngwaga o o tlang go kaela Batswana tse e ka di dirang. Rre Saleshando a re UDC e ka tlhabolola matshelo a Batswana. A re o dumela gore Batswana ba tshwanetse go akola itsholelo le go tsaya taolo ya lefatshe la bone. A re mo bogompienong, Batswana ba mo lehumeng ka batswakwa e le bone ba akolang ditiro tsa dikago tse ditona tsa puso mme ebile bangwe ba batswakwa e le bo ne ba ba eteletseng dikgwebo tse dikgolwane tse di laolang itsholelo ya lefatshe. “Re ikuela mo go lona gore lefatshe la rona le a lwala, re seka ra itibisa go sele ka gore re a itse gore molemo wa malwetsi a a re tlhasetseng ke tlhopho ya gago. Ikwadisetse ditlhopho ka gore go na le dipotso tse o ka di arabang ka tlhopho ya gago,” Rre Saleshando a supa. Rre Saleshando a re ke nnete gore UDC mo bogompieno e na le mathata mme a solofetsa Batswana gore ba ya go tsena mo ditlhophong ba rarabolotse mathata a a ba emeng pele. A re bangwe ba re moeteledipele wa UDC, Rre Duma Boko o palelwa ke mathata a UDC, a kaya fa seo e se boammaruri mme ebile go sena mathata a a ka palelang boeteledipele jwa UDC. “Ditalama tsa kganetso re ya kwa go 2019 di tlaa bo di palame mo ke senang pelaelo ya gore di ya go feta tsa BDP,” Rre Saleshando a tlhalosa. Fa a tswa la gagwe, Rre Onneetse Ramogapi yo a tlaa bong a emetse Palapye mo ditlhophong tsa bopalamente a re ba tshwere tebelopele ya Palapye e e leng go tokafatsa botshelo jwa motho. A re ene le makhanselara a UDC ba ya go tsena mo ditlhophong tsa 2019 ka setlhogo se se reng, Palapye a re Chencheng, a kaya fa maikaelelo magolo e le go fetola le go lwantsha dikgwetlho tse di apereng Palapye. O kopile Batswana go ikwadisetsa ditlhopho le go tlhopha UDC. A re e tlaa rarabolola dikgwetlho tsa Palapye tse a supileng fa di akaretsa letlhoko la ditiro, kwelotlase ya maduo a dikole, seemo sa ditsela, tshenyetso setshaba, seemo sa babereki, dikgwetlho tse di apereng BIUST le dikgang tse di amang kabo ya lefatshe. BOKHUTLO politics 7 Ntsa e tlhoka tlhokomelo Rre Christopher Kenalekgosi yo o tlholegang kwa Molepolole a re ntsa fela jaaka leruo lengwe le lengwe e tlhokana le tlhokomelo e e kwa godimo ka jaana motho a ka itshetsa ka yone. Mo potsolotsong le O tlhalositse fa a simolotse kgwebo ya gagwe ya go rua dintsa tsa sekgowa ka 2016. Kgwebo e, e kwa masimong a Chaokeng mo kgaolong ya Gakgatla. O kaile fa a tswa kgakala a rata ntsa, a bolela fa a simolotse ka e le nngwe mme e rile 2016 a ya bokhutlong a bo a na le dintsa tse pedi tsa mofuta wa German Shephard le Boer Boel. A re o ne a tsaya malebela a thuo ya dintsa mo moruing mongwe wa dintsa e bong Rre Tshiamo Maboch wa famo ya Xharoo. A re go tseneng mo kgwebong ya dintsa, maikaelelo a gagwe ke go ruta le go lemotsha setshaba ka tlhokomelo ya ntsa ka jaana a itemogetse fa batho ba santse ba sa itse botlhokwa jwa ntsa, a tlatsa ka gore o batla go tsibosa sechaba gore ntsa ke tsala ya motho mme e bile ba ka e dirisa go gweba ka yone ka e le dipoelo di gaufi. Rre Kenalekgosi o tlhalosa gore ntsa e tshwanetse ya agelwa fa e nnang teng, a re go botlhokwa gore go nne go le phepa ka nako tsotlhe, a re go tshwanetse go nna le fa ntsa e belegelang teng. Rre Kenalekgosi o bile a re go botlhokwa gore setshaba se itse fa ntsa e tshwanetse go apeelwa dijo tse di siameng tse di nang le dikotla, a tlatsa ka gore didirisiwa tse di jelang mo go tsone di tshwanetse tsa tlhatswiwa. A re fela jaaka motho ntsa e tshwanetse ya nna e isiwa bongakeng fa e sa tsoga sentle, ka jaana le tsone di tshabelelwa ke malwetsi mme e bile e batla bongaka jo bo lolameng. O boletse fa thuo ya dintsa e le bonolo ka jaana di tlhokana le lefelo le le lekanetseng ka di nna golo go le gongwe mme e bile di laolesega. A re ene mo nakong eno o ruile mefuta e mebedi ya dintsa ya Rottweiler le Boer boel tse gantsi di dirisiwang ke dikompone tsa badisa dikago. Rre Kenalekgosi o tlhalosa fa ntsanyana ya Rottweiler a e rekisa dikete di le nne tsa dipula e le dikgwedi tse pedi fa ya boer boel a e rekisa dikete tse tlhano le makgolo a matlhano a dipula le yone e le dikgwedi tse pedi. O supile fa kgwebo ya gagwe e dira sentle ka jaana batho ba tsweletse ka go reka dintsa tsa gagwe, a tlatsa ka gore o setse a rekisetsa le kwa mafatsheng a mangwe jaaka Zambia. O gwetlhile ba ba batlang go ka tsena mo kgwebong ya thuo ya dintsa go nna pelo telele ga mmogo le lorato, a re go botlhokwa go nna le kitso ka se ba batlang go se dira ka jaana go sena sepe se se tlang motlhofo mo botshelong. BOKHUTLO society 9 Ngwana a tlhokafala morago ga go ipelegisa ga ga mmaagwe Mapodisi a Serowe a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme wa dingwaga tse di fa gare ga lesome le botlhano le masome a mararo a robaditsweng kwa kokelong ya Sekgoma morago ga go ipelegisa kwa lwapeng. Superintendent Poloko Oteng o boletse mo potsolotsong gore mme yoo wa kgotla ya Makolojane o ne a lemogiwa ke batsadi ba gagwe ka go bona a sa tsoge sentle. A re batsadi ba gagwe ba supile gore e ne ya re ba tsena mo kamoreng ya gagwe, ba fitlhela maphashaphasha a madi. Mo ditlhotlhomisong tsa batsadi le mapodisi go ne ga bonwa ngwana yo o mosha le go tsholwa mme a setse a tlhokafetse. Superintendent Oteng a re se, se ne sa rurifadiwa ke ba bongaka. A re batsadi ba re ba ne ba sa itse fa ngwana wa bone a itsholofetse. Mme yoo o santse a le kwa kokelong fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. crime_law_and_justice 1 Ratoropo o kgothatsa makhanselara Ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Tebogo Matlhogonolo, o akgoletse makhanselara a toropo eo go bo ba sa ipona tsapa go direla lefatshe la Botswana ka botswapelo le bonatla bogolo jang ka ba ne ba lebanwe ke dikgwetlho. Fa a bua mo phuthegong go laela makhanselara bosheng, Rre Matlhogonolo o tlhalositse gore mo ngwageng tse tlhano tse ba di ntseng mmogo ba kgonne go dira ditiro dingwe tse ba neng ba itlamileng go di dira ka ba ne ba ikiteile sehuba go emela dikeletso tsa banni ba toropo eo. O kopile makhanselara go rotloetsa banni go ya go tlhopha ka bontsi ka e le tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe. Le ntswa go ntse jalo, o tlhalositse gore ka ntlha ya kwelotlase ya itsholelo, khansele ga e a kgona go dira ditiro dingwe tse di neng di tshwanetse go dirwa. O tlhalositse fa lekalana le le ikemetseng la SPEDU le tsweletse ka go kabakanya itsholelo le go dira ditshekatsheko ka go tlhabolola tsa bojanala le matshelo a batho. O tsweletse a tlhalosa gore ba moepo wa BCL le bone ba tsentse letsogo go bona gore bokamoso jwa mokoti oo ga bo ye bokhutlong ka go tla ka megopolo e tshwana le ya POLARIS 11. E rile a ama tsa thuto, Rre Matlhogonolo a tlhalosa gore ba dirile go le gontsi go isa ditlamelo tse di neng di tlhokafala kwa dikoleng tse di potlana di le lesome le bongwe gammogo le go thapa baphepafatsi. A re ba dirile go bonala mo go tlhabololeng matshelo a batho ka lenaneo la nyeletso lehuma ka jaana ba ne ba tshwara pitso ya nyeletso lehuma kwa motseng wa Damochojenaa kwa batho ba le 45 go tswa mo toropong eo ba kgonneng go bona dithuso. O tlhalositse gore ba tsweletse ka go isa ditlamelo tse di neng di saletse kwa morago kwa go ba ba tshwanetseng. Rre Matlhogonolo o tlhalositse gore ba kgonne go wetsa ditiro tse di neng di saletse kwa morago ka lenaneo la Ipelegeng. O tsweletse a re toropo ya bone e abetswe seetsele sa khansele e e dirileng go utlwala mo go tsa botsogo. A re ba tshwanetse go nna motlotlo ka sepatela se se tona sa Selibe Phikwe se ka fa tlase ga lekala la Council of Health Services Accreditation of Southern Africa, COHSASA. O kgothaditse makhanselara a Selibe Phikwe go tswelela ba direla toropo eo ka bokgabane le botswapelo. BOKHUTLO politics 7 Megopolo e ka tswa maduo Makhanselara a toropo kgolo ya Gaborone a tsweletse ka go akgela mo pegong e e ntshitsweng ke Rratoropo ya Gaborone Rre Kagiso Thutlwe. Fa a akgela, Mokhanselara wa yo o itlhophetsweng Rre Macdonald Peloetletse o ne a re khansele ya toropokgolo e tshwanetse go tla ka maano a go simolodisa megala ya mahala e ka yone go ka lelediwang go bega diruiwa tse di swetseng mo ditseleng di sena go thulwa ke dikoloi. Mokhanselara Peloetletse o tlhaloseditse khansele go re ka yone megala e setshaba se ka thusa gape go bega leruo le le timeletseng mo Gaborone le bo le sasanka mo ditseleng mme ko bofelong le felela le baka dikotsi. A re leruo le go le gantsi le felela le thudilwe ke dikoloi le bo le swela fa thoko ga ditsela le bo le bolela foo mme fela fa e se ka thuso ya baagi b aba gaufi le lone ba ba felelang ba reka peterolo go le tshuba le felela le leswafatsa tikologo le gone go nkga tota. O tlhalositse fa toropo ya Gaborone e le leswe mme go le botlhokwa go tsaya malebela mo mahatsheng a a nang le ditoro tse di phepa a ba kopa gotla ka maano a ba ka phepafatsang toropo kgolo ka one. Mokhanselara wa kgolo ya Tsogang Rre Tetelo Thebe o tlhaloseditse khansele go re lefelo la boitapoloso la Tsholofelo Park ga le sa dirisetswa maikemisetso a lone a tlhalosa fa le ka felolelwa go nna lefelo le le ka tswelang sechaba mosola jaaka go simolola mabala a metshameko le go aga matlwana a boroko. Mokhanselara Thebe a re lefelo le o le fetogile lefelo la dipolaano le boremelelo ja dirukhuthi mo batho ba felelang ba tshaba go ya teng. O ne a ngongorega ka go re pego ya ga Rratoropo ga e tlhalose ka ha bagwebi b aba botlana bam o mebileng ba tla a thusiwang ka teng ka matlwana a boitiketso. Mokhanselara wa Bosele Mme Khumoetsile Mokgaoganyi o tlhalositse fa borukuthi bo ile magoletsa mo Gaborone ka dipone tsa mekgwatlha di sa bereke. O tlhalositse ha mapodise le bone ba ngongorega ka go sa bereka sentle a tlhalosa ha se o se ba paledisa tiro k aba sa kgone go bona magodu bosigo. O tlhalositse ha ban aba dikolo tse dipotlana ko Taung ba inaakantse le nno tagi mob a kgonang go ya sekolong ba le ka ha tlase ga kgalelelo ya nnotagi. E re go eme jalo, Mokhanselara wa Marulamantsi Rre Sergeant Kgosietsile o tlhalositse fa ya go tsaya malebela mo mafatsheng a mangwe ka tlhokomelo ya matlakala e le leano la go ijesa monate le go iphokisa phefo fela. O tlhaloseditse khansele gore go matshwanedi go re makhanselara a tseye malebela mo metseng a a phepa mo Botswana a a fa sekai ka motse wa Kanye, Orapa le Jwaneng a tlhalosa fa se se ka somarela madi a puso. A re dikoloi tse dingwe tsa khansele di na le lebaka la ngwaga tse di lesome gotwe di ile go baakanngwa a tlhalosa fa se se dira gore khansele e palelwe ke go phepafatsa tikologo ya Gaborone a tlatsa ka gore matlakala a tsewa morago ga sebaka sa kgwedi. Mokhanselara Kgosietsile o tlhalositse fa go se maleba gore matlhabelo a magologolo a Gaborone a dirisiwe jaaka sebeelo sa matlakala sa nakwana pele a isiwa kwa lehuting le legolo la matlakala a tlhalosa ha se se tlaa leswafatsa dikgwebo le mafelo a a mabapi. Mokhanselara wa Sebele Rre Lsego Mabego e ne a re mo dikoloing tsa matlakala tsa khansele dil le masome a mabedi le bofera bobedi, go bereka fela di roba bobedi, a re se se baka gore batho ba lathele matlakala gongwe le gongwe mo kgaolong ya Gaborone Bokoni. disaster_accident_and_emergency_incident 2 BC&LM e aba ntlo Kompone ya gase ya BC & LM e ne ya re bosheng ba abela Mme mongwe kwa Gakuto ntlo ya tlhwatlhwa e e ka tshwarang P100 000. Fa a bua kwa moletlong wa go aba ntlo eo, mothusa mokwaledi mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Duke Masilo o ne leboga kompone eo go bo ba tsile mme yo matshidiso, a re ntlo eo e tlaa mo fa seriti. Rre Masilo o boletse fa ntlo e le botlhokwa ka jaana e sa fe motho seriti fela, mme e le lefelo la botshabelo ka nako ya dibetsa tsa tlholego jaaka dipula, serame le tse dingwe. O tlhalositse fa se BC & LM e se dirileng e le go supa lorato le go dira mmogo le setshaba ka go supa fa ba sa ipeele dipoelo go di akola ba le nosi, mme ba di dirisa go tlhabolola matshelo a setshaba. Rre Masilo yo o neng a bua mo boemong jwa mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso a re se, ke thotloetso, ka go dira jalo go tsamaelana le maiteko a puso, e ka nosi e ka sekang ya kgona go agela Motswana mongwe le mongwe ntlo. Mookamedi wa BC&LM o ne a leboga maloko a komiti ya motse go supa mowa wa boithaopo ka go ne ga thusa tlhwatlhwa ya kago ya wela tlase. O tlhalositse fa bangwe mo motseng ba ne ba ithaopa go aga ba sa duelwe, fa mokhanselara ene a ne a rora motlhaba. Se se ne sa itumedisa mopalamente wa kgaolo e bile gape e le tona wa merero ya mafatshe a sele le ditirisanyo, Rre Vincent Seretse mme a kgothatsa banni go tswelela ka mowa wa bojammogo. BOKHUTLO society 9 Banni ba rotloediwa go itse ditshwanelo tsa bone Banni ba Mogonye mo kgaolong ya Borwa ba rotloeditswe go itse ditshwanelo tsa bone ga mmogo le boikarabelo jwa bone fa ba kopa dithuso mo dikokelong. Go buile jalo mogolwane go tswa mo kgaolong ya Borwa, Rre Mogomotsi Mathibidi mo phuthegong ya pitso ya botsogo kwa motseng oo bosheng. Rre Mathibidi o boleletse banni gore ka thulaganyo ya botsogo, go dirwa dikokelo tse ditona jaaka Princess Marina Referral Hospital kwa Gaborone le tse dipotlana jaaka tsa Thamaga Primary Hospital ga mmogo le dikokelo le dikokelwana. A re batho ba ba kopang thuso, ba na le tshwanelo e tletseng ya go bona thuso e ba e tlhokang jaaka go kopa kalafi kana go botsa, mme ba tshwanetse go thusiwa ka setho. O tsweletse a re batho ba tshwanetse go fiwa kalafi gosa lejwa letso, maemo kana tumelo ya bone, a re gape motho o na le tshwanelo ya gore fa a sena go tlhatlhobiwa a itlhophela gore ao tsaya kalafi kana nnya. A re badiredi ba botsogo ba tshwanetse go tlotla balwetsi, e bile balwetsi ba tshwanetse go ikuela mo modiring yo mogolwane mo kokelwaneng eo fa ba kgopisitswe, kana ba sa thusiwa sentle ka gope. Fa a ntsha thuto ka botsogo, mooki kwa kokelwaneng eo, Mme Lesang Lekwalo, o ne a rotloetsa banni go fokotsa go tsamaya sekgele se seleele ba latela ditlamelo tsa botsogo kwa dikokelong tse dingwe ntswa go atalositswe ditlamelo mo kokelwaneng ya bone. Mme Lekwalo o ne a tswelela ka go ba itsise gore bomme ba ba itsholofetseng ba na le tetla ya go ikwadisetsa boimana mo kokelwaneng eo ka e bile ena le mooki yo rutetsweng tiro eo. Molomaganya ditiro tsa kgaolo gotswa mo lephateng la botsogo, Dr Malebogo Rauwe, o ne a tlatsa ka gore lephata la botsogo le dirile thulaganyo e ntsha ya go itshekatsheka le go tokafatsa maduo ya 2010-2020 mme a tlhalosa fa diphetogo di supagala. Dr Rauwe o kaile fa go na le thulaganyo ya go hema malwetsi ka mokento ga mmogo le go fokotsa dipalo tsa bomme ba ba tlhokafalang ka nako ya pelegi. Fa a wetsa tekodiso ya gagwe, Dr Rauwe a bolela gore go tla a dirwa phaposi ya ditlhatlhobo kwa Moshupa go babalela maduo a ditlhatlhobo tsa madi le tse dingwe. Fa ba akgela banni ba motse ba supa boitumelo e bile ba galaletsa baoki ba bone. Mongwe wa banni Mme Kgakgamatso Sekgabetlela a re ene o itumeletse dithuto le ditlamelo tse ba di fiwang kwa kokelong eo, a bua jalo, a tlhalosa fa ba tsiseditswe baoki ba ba lorato le boineelo e bile ba tlotla balwetsi fela thata. Bokhutlo education 4 Komiti e rotloetsa tshireletso ya bana Mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Serowe, Rre Collen Tubego, a re bana ba tshwanetse go sirelediwa ke batsadi le molao ka nako tsotlhe. Rre Tubego o ne a bua ka boikarabelo jwa ofisi ya ga molaodi mo tshireletsong ya ngwana mo kgokgontshong kwa thuto pusanyong ya tshireletso ya ngwana kwa Serowe bosheng. Mothusa molaodi o boletse gore kgokgontsho ya bana e ntsi thata, mme batsadi bangwe ba bipa mpa ka mabele e bile ga ba bege dikgang tse di sa tlhamalalalng tse di diragalang kwa malwapeng mangwe. O kgadile dikereke dingwe, barutabana, bo ra-bana le bo malome bangwe, a re ba kgokgontsha bana go akaretsa le mo go tsa tlhakanelo dikobo. Rre Tubego a re ofisi ya ga molaodi e okametse komiti ee sireletsang bana, mme o ne a kopa dikomiti tsa metse gore le tsone di eme ka dinao go lwantsha kgokgontsho ya bana ko metseng ya bone. A re go mefuta ele mentsi thata ya kgokgontsho ee dirwang mo baneng, mme batsadi bangwe ba a di loba mme mo go felatsang ngwana o kgona go gola ka pelo ee botlhoko. “Ditshwanelo tsa ngwana di tshwanetse go tlotlwa ka nako tsotlhe go mo sireletsa, di seka tsa tsuololwa, ba direlwe sentle eseng jalo, molao wa bana o tla berekisiwa,’’ a tlhalosa. Molaodi o nnile kgatlhanong le kgethololo ya bana ee diragalang mo mafelong ka go farologana, mme go sa begwe sepe, mme a kopa gore dikomiti tse di tlhophilweng mo metseng e nne matlho a komiti e tona ya ga molaodi ka ke bone ba bonang sengwe le sengwe se se diragalang. O ba laetse go ya go sukunyolola kgokgontsho e e sa bolelwang gore babelaelwa ba lebisiwe molato. Phuthego e ne e tsenwe ke bnni ba metsana ya Serowe bophirima, bokone le borwa e go bolelwang kgokgontsho e ile magoletsa thata kwa go yone. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Mogwebi o itepatepanya le dikgwetlho Mogwebi mongwe wa thekiso ya ditlhare kwa Mapoka kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Jabulani Majaye a re kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho tsa yone. Mme Majaye a re ka jalo batho ga ba a tshwanela go letlelela dikgwetlho tse ba kopanang natso go ba ema pele. A re kgwebo ya go rekisa ditlhare, fela jaaka dikgwebo tse dingwe, e na le dikgwetlho tsa yone ka go farologana. Mo potsolotsong bosheng, Mme Majaye o boletse fa a ne a tlelwa ke kakanyo ya go dira sengwe go itshetsa, a re lentswa a ne a eleditse go inaakanya le kgwebo ya go hirisa ditante, seo se ne sa pala. A re o ne a felela a tsena mo kgwebong ya go lema le go rekisa ditlhare ka go farologana tsa maungo, meriti le tse di kgabisang, mme o feletse a nna le kgatlhego e e tseneletseng mo kgwebong eo. A re o dumela mo go reng sepe se motho a se dirang, a na le kgatlhego mo go sone, se ka seke se pale. Mme Majaye o ne a tlhalosa fa a ne a thusiwa ke lephata la dikgwa ka lenaneno la Nyeletso Lehuma go simolodisa kgwebo eo ka ngwaga wa 2017, mme go nna le kgatlhego mo kgwebong eo, ke gone fela pheko e e thusang gore e bo e santse e ganetsana le dikgwetlho tse e kopanang natso. A re lephata la dikgwa, le ne la mo rutuntsha ka temo ya ditlhare, a re o itumedisiwa ke go bo a setse a tlhaloganya go le gontsi mo go jwaleng le tlhokomelo ya ditlhare, a tlatsa ka gore mo go simolodiseng kgwebo eo o ne a thusiwa ka didirisiwa tse di akaretsang kiriba, jojo, garawe, haraka gammogo le ditlhare tse tlhano. A re le fa gone kgwebo ya gagwe e na le dikgwetlho, o itumelela go bo e tsisitse phetogo mo botshelong jwa gagwe. Mme Majaye a re kgwebo ya gagwe e lebanwe ke dikgwetlho di le mmalwa jaaka letlhoko la mmaraka, a re mo go lekeng go itepatepanya le kgwetlho ya tlhaelo ya metsi, o leka go beeletsa metsi fa pula e na. A re le ntswa a kopana le dikgwetlho, seo ga se kake sa dira gore a lape pelo go tswelela, a supa fa thotse nngwe le nngwe e a kopanang le yone a nna le kgatlhego ya go e jwala mme morago a ikopanye le lephata la dikgwa go mo gakolola. Mme Majaye o ne a gwetlha Batswana ba bangwe gore ba seka ba neela tshwene marapo, mme ba eme ka dinao go itirela sengwe mo botshelong se ba ka itshetsang ka sone. economy_business_and_finance 3 Banni ba tlhagisiwa ka tlhako le molomo Motshwarela tona wa Temo Thuo, Rre Patrick Ralotsia, o tlhagisitse banni ba Qabo le Kuke fa go tlhagogile bolwetse jwa tlhako le molomo mo merakeng mengwe kwa kgaolong ya Ngami ka jalo batshwanetse go ema ka dinao go bona gore bolwetse joo boseka jwa tla mo kgaolong ya bone. Motshwarela tona o buile mafoko ao bosheng fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa metseng eo mabapi le tlhagogo ya bolwetsi joo. A re meraka e go tshwerweng bolwetse kwa go yone ke ya Kareng , Motlopi2, Maxibo le Mokgalo mme meraka eo e bapile le metse ya bone ke sone se se direleng gore atle go tshwara phuthego go ba tlhagisa ka bolwetse joo ka bo le diphatsa mo matshelong a bone. Tona Ralotsia o tlhaloseditse banni bao gore fa bolwetse joo bo ka tsena mo kgaolong ya bone go raa gore theko ya dikgomo e tla emisiwa . O kopile banni bao gore batlogele go ya go tsaya nama le mashi kwa merakeng eo fa e le gore bane bantsi ba dira jalo ba emise go dira jalo ka ponyo ya leitlho ka gore ga b aka tswelela badira jalo ba tlanna le mathata. Mothwarela Tona a re mme fa baka ema dinao ba thusa banna leitlho la Puso gobona gore dinama le mashi ga ditlodisetswe mo Metseng ya bone ka dinako tsotlhe bolwetsi joo ga bona go tla mo Kgaolong ya bone. Rre Ralotsia okopile banni bao gore fa ba bona bangwe batla ka dinama tse ba dibelaeleng batshwanetse go bolela mapodisi kana bodiredi jwa matlhoku a leruo ka bonako. A re bolwestsi jwa tlhaku le molomo fa botsene mo kgaolong ya bone go tla sala selelo le khuranyo ya meno. A re bolwetsi jwa tlhaku le molomo botshwanetse go tsewa ka tlhwaafalo go sena bohirihiri mo teng ka gore fa o ka dira bohirihri itse gore o e tlhabile thipa mpeng,mme ebile obolaele Batswana ba kgaolo ya gago. Motshwarela Tona A re Lephata la gagwe le dirisa madi amantsi go lwantsha bolwetsi joo, mme ele ntateng ya barui bangwe fa go kentewa dikgomo ba sa tlise dikgomo tsa bone tsotlhe go tla go kentiwa A re lefa ditlou dkgaola tarata ya matlhoku a leruo ee kgaogantseng Kgaolo ya Ngami le Kgaolo ya Ghanzi gona le batho bangwe ba banang le seabe mo go kgaoleng tarata eo kajalo okopile batho ba gonna jalo go emisa go dira jalo. Mothswarela Tona a re fa o bona motho a dira jalo ke motho yo osenang boikarabelo ebile yo o sa e tshwareng sentle. One a rotloetsa banni ba Metse eo go dira dikomiti tsa makgatlo ya barui ka gore mekgatlo eo ena le mosola thata mo matshelong a bone. Erile baakgela banni ba Qabo le Kuke bangongorega katarata ya matlhoku a leruo e sa bolo go senyega bakopa Motshwarela Tona gore tarata eo e bakangwe kabo nako ka gore ga esa bakangwe ba tlanna le mathata a bolwetsi joo. Banni ba Motseng wa Kuke bone bakopile gore fa kgorong ya Kuke go tsengwa gate e tla kganelang dikgomo gotswa kwa kgaolong ya Ngami go tsenelela mo Kgaolong ya Ghanzi.banni bao ba supile fa kgorong eo gone ga tsena kgomo ya Kgaolo ya Ngami go tla mo Kgaolong ya Ghanzi mme bane ba bolela bodiredi jwa lephata la matlhoku a leruo. Erile Motshwarela Tona araba dingongorego tsa bone a ba bolelela gore batla buisana le mokwaledi wa lephata go bona gore tarata eo ya bakangwa ka bofefu. health 6 A re ithuteng go tshela le ba-na-le-bogole - Kgosi Banika Kgosi wa Pandamatenga kwa kgaolong ya Chobe, Kgosi Rebecca Banika o rotloeditse banni ba motse go ithuta le go itlwaetsa go tshela le ba-na-le bogole. Kgosi Banika o buile jaana kwa tirong ya kabo dimpho, e e neng e diretswe ba-na-le bogole kwa sekoleng se sebotlana sa motse oo bosheng. Dimpho tseo ke didirisiwa tse ba tlaa di dirisang fa ba goroga ngwaga o o tlang fa ntlwana ya bone ya boithutelo e simolla go dira. Kgosi o tlhalositse fa ba-na-le bogole ba motse wa gagwe ba ne ba ntse ba tsamaya tsela e telele go ya kwa Kachikau, kwa go nang le sekole sa ba-na-le bogole teng. A re selo se, e ntse e le kgwetlho e tona mo batsading ba bana bao ka gore ba ntse ba nna kgakala le bone jaanong go sena tlhokomelo e e tseneletseng. O tlhalositse fa go nna mo-na-le bogole go sa reye gore motho o a bo a se na bokgoni jwa go itirela e bile go sa supe fa a na le bolwetse, ke sone se lekalana la Special Support Services mo lephateng la Thuto go tswa kwa Moding, ba boneng go le matshwanedi go tla go simolosa sekole seo kwa motseng wa bone. Ba-na-le bogole ba fera bongwe, go akarediwa basetsana ba le bane le basimane ba le batlhano, mo go bone go na le bana ba ba dingwaga tse di masome a mabedi le borataro le o mongwe a le dingwaga tse di masome a mararo ba setse ba kwadisitswe go tla go simolola ngwaga o o tlang fa o simologa. Ba lekalana la Special Support Services go tswa Gaborone ka tshwaragano le ba lephata la Thuto go tswa kwa Moding, ba abile ditlhako, dikipara le dibukana tse di tlaa dirisiwang mo ntlwaneng ya borutelo gareng ga tse dingwe. Ba abile gape le ditlhare tse di tlaa lengwang kwa tshingwaneng ya sekole. Mookamedi wa lephata la Thuto go tswa kwa mo Moding, kwa kgaolong ya Chobe Mme Lillian Matshameko, o boletse fa lephata la thuto le itlamile go aba thuto e e akaretsang botlhe, ke sone se ba sa bayang bana ba ba-na-le bogole kwa motsheo ba re ba palo-potlana. ‘’Re atumeditse bana ba mo go lona gore le le batsadi le simolole go ba tlhokomelela gaufi le lona, gore le ba neele lorato le le ka fiwang ngwana mongwe le mongwe,’’ ga bua Mme Matshameko. Mokwaledi wa Thuto go tswa khanseleng ya Chobe, Mme Faith Tshekiso o ne a supa fa ba tsile go tswelela ka go thusa bana bao ka dithuso tse di akaretsang sepalamo, dijo le didirisiwa tsa thuto. O tlhomamisitse fa e tlaa re bofelong jwa Sedimonthole, didirisiwa tseo di bo di setse di gorogile. Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Owen Ndlovu, a re o itumeletse tsotlhe tse ba di filweng, mme a solofetsa fa ba tlaa tiisa moko gore bana ba bone thuto e e nang le boleng. Sekole se sebotlana sa Pandamatenga se tlaa simolodisa ntlwana ya borutelo ya bana ba ba nang le bogole ngwaga o o tlang fa dikole di bulwa ka baithuti ba fera bongwe mme dibui di rotloeditse batsadi go seka ba tlhajwa ke ditlhong go tla go supa bana ba bone fa ba na le bogole ka gore go tlhoka go dira jalo ba tlaa bo ba ba rontsha tshwanelo ya bone ya go bona thuto. society 9 Phokoje go tshela yo o dithetsenyana Batswana bangwe ba sa ntse ba ikaegile ka mowa wa go itirela ka diatla. Monni mongwe kwa Tsabong, Mme Pako Sekokodi wa dingwaga tse di masome a marataro o boletse mo potsolotsong bosheng, fa a sa ipone tsapa mo go itshetseng ka diatla tsa gagwe. E re le ntswa puso ya Botswana e otlolotse letsogo ka mananeo a a farologaneng a nyeletso lehuma Batswana bangwe ba itirela ntle le dithuso dipe jaaka Mme Sekokodi, ka jaana a na le lorato mo go se a se dirang e bile a itlamile gore o tlaa dira ka natla go ntsha maduo mo tirong ya gagwe. Mme Pako o tlhalositse fa e ne ya re ka ngwaga wa 2014 a simolola kgwebo ya gagwe ya go roka diphate ka matsela a a farologaneng jaaka mateisi. O boletse fa a dira diphate tse di ka dirisiwang mo ditirong tse di farologaneng jaaka go kgabisa mo malwapeng le go ala fa pele ga kgorwana ya ntlo. O supile fa go nna matlhagatlhaga, go dira tiro ya gagwe motlhofo, ka gore tiro e ya gagwe a sa e ela sekoleng go e ithuta, a re o lemogile fa tiro e e le mpho fela go tswa kwa Modimong. O boletse fa theko e se e e nametsang mme a seke a lala ka tlala ka letsatsi lepe, ka a kgona go dira dithebenyana tse a ka rekang sengwe. O boletse fa a lebaganwe ke dikgwetlho mo kgwebong ya gagwe, ka gore o dirisa didirisiwa tse di farologaneng di tshwana le matsela a mateisi, masang, le ditlhale tsa mebala e e farologaneng mme ba tlhoka kwa ba ka di rekang teng mo Tsabong, mme a gatelela gore ga a ipone tsapa ka jaana a na le lerato mo go se a se dirang. Mme Sekokodi o boletse fa a itemogela kgolo mo tirong ya gagwe go tswa ka ngwaga o a simolotseng ka one go tsena monongwaga, le fa go ntse jalo Mme Sekokodi o ne a supa fa a tlaa ya go kopa dithuso kwa pusong ka a tlhoka didirisiwa di tshwana le dimechine, ka di ka tlhofofatsa le go tokafatsa tiro ya gagwe fela thata. O ne gape a tlhalosa gape fa a na le bokgoni mo ditirong tse dingwe tse di tshwanang le go kgabisa matlo a Setswana, o na le lorato gape mo thuong ya dikoko, dipidipidi, dipodi le tse dingwe. O kgothaditse bomme ba bangwe go ema ka dinao go nna pelotelele le gone go rata ditiro tsa diatla ka di ka tshetsa malapa a bone, le gone tlhamela ba bangwe ditiro. “Botshelo bo thata, tlala e tsentse letsogo, mokuduwe go tsosiwa o o itekang, inaakanye le mananeo puso a nyeletso lehuma, re ipela ka ditiro tsa diatla mo lefatsheng la rona, e bile mosadi tshwene o jewa mabogo,” ga tlhalosa Mme Pako Sekokodi. economy_business_and_finance 3 Leuba le kgoreletsa thuo ya dinotshe Modiri go tswa kwa ofising ya dijwalo a lebagane le thuo ya dinotshe kwa kgaolong ya Letlhakeng, Rre Olefile Dikomane a re ofisi ya gagwe e bone kwelo tlase ya dipoelo mo thuong ya dinotshe mo dingwageng tse pedi tse di fetileng. E rile a bua mo potsolotsong, modiri yoo a tlhalosa fa dinotshe e le ditshidi tse di itshetsang ka go tsaya dijo tsa tsone mo dithunyeng, mme ka lebaka la leuba le le neng le apere kgaolo eo ga di kgone go dira sentle. O tlhalositse fa ofisi e thusa batho ba ba batlang go tsena mo kgwebong ya thuo ya dinotshe ka go di ba tshwarela ba bo ba ba ruta ka fa di tlhokomelwang ka teng mme sebe sa phiri e le gore tsone dinotshe di a tlhaela mo kgaolong. Rre Dikomane o tsweletse ka go tlhalosa gore le ba ba di ruileng mo nakong eno ga ba kgone go tsaya mamepe ba a rekisa ka a di a beileng di a dirisa go fitlha nako ya pula e na fa di tla a bo di kgona go ikgamela mo ditlhareng tse di thunyang, mme gape a tlhagisa ba ba mo kgwebong e go nama ba sa tsaya mamepe ka go ka itsa dinotshe go ntsha tsina ya maemo a a siameng. O gakolotse barui ba dinotshe go nna pelo telele mo dinakong tse di sa direng sentle ka tsone di le bogadi bo gaufi e bile di se dingalo go ruiwa, a tlatsa ka go kopa barui go kopa dikgakololo mo balemising gore kgwebo ya bone e tsamae ka thelelo. O tlhalositse fa kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho, ka jalo a supa fa go jesa dinotshe go rotloediwa mo dipakeng tsa leuba gore le tsone di kgone go itshwarelela. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Tsayang kalafi ka tlhoafalo Mokhanselara wa pele wa Tsabong Borwa, Rre Sam Brooks o kgothaditse balwetsi go itlhatlhobela malwetsi ka go farologana ka seo se ka thusa gore ba kgone go bona thuso a ise a kekele. Rre Brooks o buile jalo bosheng ka letsatsi la go gopola balwetsi ba ba robaditsweng kwa kokelong ya Tsabong le go ba abela dimpho di akaretsa maungo, dinotsididi, digaugau le magapu tse di lopileng P1 333. Rre Brooks a re go tsaya ditaelo tsa ba bongaka ka tlhoafalo go ka thusa gore melemo e kgone go bereka ka fa go tshwanetseng ka teng mme kwa phelelong motho a fole. Rre Brooks a re go tlhabisa ditlhong gore mo nakong ya gompieno batho bangwe ba bo ba santse ba tlhokafala ka lebaka la HIV le AIDS ka ntlha ya go tlhoka go ikamogela le ntswa puso e tsibogetse bolwetse joo ka go simolodisa dipilisi tse di ritibatsang mogare. Rre Brooks o ne a gwetlha batsadi le baeteledipele go gakolola bana ka go ba bontsha tsela ya nnete le gone go tlhomamisa gore ba tsaya kalafi ka fa go tshwanetseng. O ne a tlhalosa fa a sale a itlhophetse go abela kokelo eo ka tshwaragano le ba komiti e e thusang balwetsi ka thapelo mo dingwageng tse di lesome le botlhano tse di fetileng ka lebaka la go supa mowa wa bopelotlhomogi le lorato mo balwetsing ka ba a bo ba sa ya go keteka letsatsi la keresemose le ngwaga o mosha le ba masika le ditsala tsa bone. Moeteledipele mo kokelong eo, Dr Joseph Kadima fa a amogela baeng o ne a galaletsa Rre Brooks le ba lelapa la gagwe ka dimpho tse ba di abetseng balwetsi ba ba robaditsweng ba le lesome le borataro. O kaile fa seo e le sesupo sa lorato. Dr Kadima o ne a supa fa puso le yone e rotloetsa le go gwetlha mongwe le mongwe le setshaba ka kakaretso go nna le mowa wa lorato wa go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka jaana e ka seke e kgone ka nosi. Mongwe wa balwetsi ba ba robaditsweng, Mme Sana Jane o ne a supa monyenyo a bo a itumelela dimpho tseo a bo a iteela legofi boeteledipele, dingaka, baoki le badiri ba bangwe mo kokelong eo, a kaya fa ba le mo diatleng tse di siameng tsa batho ba ba nang le botho, lorato le tirisano mmogo. Mo go tse dingwe, kgosana Keakabetse Mokate wa Maleshe o boletse fa letsatsi la ngwaga o mosha kwa motseng oo le amogetswe ka boitumelo le kagiso go sena sepe se se duleng mo tseleng. BOKHUTLO health 6 Matlhabelo a a bulwa Modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi Rre Frans van de Westhuizen, o tlhalosa gore kgaolo eo e tlaa nna le matlhabelo a dipodi mo malatsing a a seng kgakala. Rre van de Westhuizen o ne a tlhalosa jalo kwa phuthegong ya khansele bosheng, le fa a ne a sa supe gore matlhabelo ao a tlaa simolola go agiwa leng, kae. O tlhalositse gore le fa go sa ntse go buisanngwa ka go aga matlhabelo ao, ke boikarabelo jwa makhanselara otlhe go thusa go diragatsa maikaelelo ao. Tshwetso ya go aga matlhabelo e tlaa araba dilelo tsa barui ba kgaolo eo, tsa go tlhoka kwa ba rekisang nama ya dihutshane teng, go itshetsa. Barui bao ba ne ba supile gore temo ga e ka ke ya ba busetsa jaaka thuo, ka jalo go le botlhokwa gore ba e godise. Bangwe ba barui bao ba ne ba ntshitse le mogopolo wa gore kgaolo ya Kgalagadi e direlwe lenaneo la ISPAAD, le le lebaganeng le seemo sa yone. Makhanselara ka bontsi a ne a supa gore mafelo a mabedi a go tlaa bong go bolaelwa dihutshane mo go one, ga a a lekana kgaolo eo yotlhe. Le fa go ntse jalo, mokwaledi wa khansele eo, Rre Joshua Maluleke, o ne a bolelela phuthego eo phetolo e e tswang kwa bagolwaneng ba temo-thuo, e tlhalosa fa go sa tlhokafale gore matlhabelo ao a okediwe. economy_business_and_finance 3 Polase ya Lobu e rutuntsha barui Mogolwane wa tsa boranyane kwa polaseng ya Lobu, Rre Mahundu Mahundu o gwetlhile barui go tsena dithuto tse di ka ba tswelang mosola. Rre Mahundu o buile jalo bosheng mo dithutong tsa malatsi a matlhano tse di neng di tsenwe ke bangwe ba ba thusitsweng ka mananeo a puso a nyeletso lehuma; LIMID le YDF go tswa Kgalagadi borwa. O ne a tlhalosa fa maikaelelo a polase ya Lobu, e e simolodisitsweng ka 1978, e le go thusa balemi-barui ba kgaolo ya Kgalagadi le Batswana ka kakaretso ka go atisa leruo la boleng le go le ba rekisetsa ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase. Rre Mahundu a re puso e ne ya tsaya tswetso ya go tlhabolola polase eo le go e busetsa gape mo tirisong ka 2017, morago ga gore barui ba kgaolo eo ba ngongorege ka kwelo tlase ya ditirelo tsa yone. A re mo ngwageng wa madi wa 2018/2019 ba ne ba rutuntsha Batswana ba ba thusitsweng ka mananeo a puso a a farologanyeng ba le makgolo mane le masome a matlhano. O boletse fa polase eo e file kgaolo seriti ka jaana e itsege ka dihutshane tsa mefuta e e farologanyeng, tse di tlhabologileng, tsa boleng jo bo kwa godimo bogolo jang tsa buruboko, swakara, dorper le karakul. Mo puisanyong le Dingwe tsa dithuto tse ba neng ba di ruthuntsha e ne e le go kgaola menala, go kenta, go lwantsha dibokwana, ka fa melemo e dirisiwang ka teng le botlhokwa jwa tlhokomelo ya loruo mo go tseneletseng, ka seo se thusa go ntsha maduo a a itumedisang. Rre Mahundu o boletse fa dihutshane tse di mo polasing eo di le sekete, lekgolo le masome a mane. Dikgomo tsone di masome mabedi le boherabobedi mme dipitse di lesome le bosupa. Mongwe wa ba ba neng ba tsene dithuto tseo, Mme Cathrine Malatlhelelo wa Middlepits o supile fa dithuto tseo di le mosola ka jaanong a tlaa ya go tlhokomela leruo la gagwe ka fa go tshwanetseng ka teng gore le ate. economy_business_and_finance 3 Tlotlang bagolo - Venson-Moitoi lick to see more pictures Tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Dr Pelonomi Venson-Moitoi a re bana ba tlamega go direla le go tlotla batsadi. O buile jalo kwa Pallaroad Phalane a tlhola masome a mabedi kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke bagodi ba motse oo, go lebogela puso lenaneo la motla o dutse. “Re tlamega go direla batsadi ba rona jaaka ba re godisitse go nna batho ba ba nang le boikarabelo mo setshabeng,” ga tlhalosa Dr Venson-Moitoi. Dr Venson-Moitoi a re o lemoga botlhokwa jwa tiro e e dirilweng ke bagodi ba Pallaroad. “Re agela bokamoso jwa rona mo go lona.” O ne a supa fa Setswana se tlhalosa ka seane se se reng, letlhaku le lesha le agelwa mo godimo ga le legologolo le gore tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng. O ne a supa gore le fa batsadi mo dingwageng tsa maloba ba dirile ka thata go godisa bana ba ba nang le boikarabelo e bile ba tlotla batsadi, mo nakong ya gompieno seemo se fetogile. “Rona re le bana ba lona re tshwarisitswe bothata ke bana ba rona. Bana ba rona ga ba boife sepe, ba kgona go tsaya tshwetso ya go gapela batsadi botshelo ba re motsadi o ba kgoreletsa go ja dithoto tse a di kgobokantseng.” Ke belaela sengwe re sa se dira sentle, ga tlhalosa Dr Venson-Moitoi. O supa gore tshokamo e e lebegang e dirwa mo kgodisong ya bana mo malatsing a gompieno, e ka rarabololwa fela ke go ikgata motlhala, go boelwa kwa bagolong go batla maano a go baakanya seemo. “Le tlhoka go fiwa tlotlo, re ithute mo go lona. Re tshwanetse re baakanya lo santse lo le teng. Re itse tlotla mmago le rrago, gongwe Modimo o ka re itshwarela,” ga tlhalosa Dr Venson-Moitoi. Dr Venson-Moitoi a re ditiro tse bana ba di dirang tse di kgatlhisang di tlaa supa boammaaruri jo ba bo filweng ke batsadi. “Batho ba tlaa eletsa go itse kwa o tswang teng.” Dr Venson-Moitoi o gakolotse bagodi ba Pallaroad go leboga Modimo ka go tswelela o ba babaletse. Modimo o le beile fa, go boloka ba bangwe gore ba kgone go godisa bana ba bone ka tsela e e molemo, ga tlhalosa Dr Venson-Moitoi. O gakolotse bagodi gore ope wa bone yo o ka tswang a na le sekgophi mo pelong, a itshwarele botlhe ba ba mo leofetseng gore motsing a robalang a bo a phuthologile mo moweng. “Re romilwe mo lefatsheng go tla go aga le go boloka ba bangwe, ka jalo go botlhokwa go itshwarela.” Modulasetilo wa komiti ya bagodi ba Pallaroad, Rre Otsetswe Mangope o tlhalositse gore mogopolo wa go rulaganya tiro eo, o simolotse go rerwa ka 2016. Rre Mangope o supile gore sengwe tsa dilo tse di neng tsa dia go tsweledisa kakanyo ya bone ke gore o ne a latlhegelwa ke pono. “Le fa ke sena matlho, tlhaloganyo ga ise e sirege, ka jalo re ne ra boela mo maikaelelong a rona mme ra felela re kgona.” “Re ipelela dingwaga tse di masome mabedi le bobedi bagodi ba ntse ba fiwa madi. A re lebogeng goromente ka go lemoga gore re teng,” ga tlhalosa Rre Mangope. Rre Mangope o ne a tlhalosa gore le fa dikgwetlho di ne di le teng, bagodi ba Pallaroad ba kgonne ka boineelo le lorato. “Re gorogile mo dingwageng tse ka thato ya Modimo, ka jalo go botlhokwa go leboga.” Moletlo o ne o ikaegile ka setlhogo se se reng, Bogodi Jwa Rona ke Tshegofatso ya Modimo.” society 9 Bahumagadi ba masole ba ema ka dinao E rile bosheng mokgatlho wa Eastern Military Garrison Women kwa Selebi Phikwe wa phepafatsa le go penta kgotla ya Botshabelo e le maiteko a go ikitsise setshaba. Go ya ka mothusa modulasetilo wa mokgatlho oo, Mme Dorah Mabina o boletse fa mokgatlho wa EMG Women o tlhamilwe ka 1994 ke bomme ba ba nyetsweng ke borre ba masole le bomme ba e leng masole kwa kampeng ya Selibe Phikwe ka moono wa go rotloetsa mowa wa boipelego. Mme Mabina a re mokgatlho oo ga o a itebaganya le go thusa setshaba se se kwa ntle ga kampa fela mme maikaelelo a bone ke go fetola matshelo a bomme ba ba nnang mo kampeng ya Selibe Phikwe le gore e re mo ngwageng tse pedi tse di tlang go bo go sena mme ope yoo nang le botlhoki. Mme Mabina o tlhalositse fa go na le ditiro tse dintsi tse ba di dirang jaaka go rutana ka tsa kapei, temo ya ditlhare gammogo le thuo ya dikoko. O tlhalositse gore ga ba eletse go bona mme yo o neng a nna mo kampeng a tshela botshelo jo bo sa itumediseng morago ga go tlogela tiro kana rre a sa tlhole a bereka. O tlhalositse gore go tshwanetse gore morago ga go tlogela tiro batho ba bo ba na le se ba ka se dirang go tlisa dijo mo lwapeng a bone. Mme Mabina a re ba na le keletso ya go tsena mo setshabeng sa Selibe Phikwe go thusa bana ba ba tlhokang ka go ba abela diaparo le tse ba ka tswang ba di tlhoka. O tlhalositse gore ba Botswana Defence Force ba ba thusa ka madi mme ga go a lekana ka jaana mokgatlho wa bone o tlhoka madi a mantsi. Mme Mabina a re ba dira ditiro tse di farologaneng go tsenya madi jaaka go dira bommabontle, go apaya dijo le go dira mogwanto, a tlhatsa ka gore kompone ya BCL le yone e ba eme nokeng. Mme Mabina o tlhalositse gore kgwetlho e nngwe ke gore bontsi ja bomme ba a bereka ka jalo ba nna le nako e khutshwane ya go kopana mme go sa reye gore go ka ba kgoba marapo ka ba kgonnne tse dintsi ka kemo nokeng ya borre ba bone. Mme Mabina a re maikaelelo a bone ke go bona mme mongwe le mongwe yo o mo kampeng a tsene mo mokgatlhong wa bone ka ba ka anya go le gontsi mo go ba bangwe. Fa a ba fa lefoko la kgothatso, Brigade Sergeant Major Stoney Siwane o tlhalositse gore le fa e ne e le tiro ya ntlha ya mofuta oo, go supagetse fa ba na le tebelopele le maikaelelo a go tlhabolola setshaba e le bomme ba mokgatlho wa EMG Women kwa Selibe Phikwe. O tsweletse a tlhalosa gore tiro nngwe le nngwe e na le dikgwetlho tsa yone mme seo se seka sa ba kgoba marapo mme ba se dirise go fitlhelela se ba batlang go se dira. Rre Siwane o tlhalositse gore mowa wa lorato le go nna moono o le mongwe ke tsone tse di dirileng gore ba bo ba kgonne se ba neng ba se ikaeletse society 9 Matshameko o ikanya temo Go setse go itshupile gore metlha ga e sa tlhole e le ele ya maloba e motho wa mme a neng a tshwanelwa ke go nna mo lwapeng go dira ditiro tsa lelwapa, fa rre ene a phakelela kwa mmerekong. Bomme mo dipakeng tseno ke bagwebi ba popota, fa bangwe ba bereka le mo ditirong tse go neng go tlwaelesegile gore di dirwa ke borre, mme gape bomme bangwe ke ditlhogo tsa malwapa a bone. Mme Dinah Matshameko wa dingwaga tse di masome a matlhano le boferabongwe wa Ditladi mo kgotleng ya Shashe, ke mongwe wa bomme ba lefatshe leno ba ba sa batleng go ipona tsapa go iphataphatela mo botshelong. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Matshameko o tlhalositse fa ene a sale ka ngwaga wa 1986 a ne a inaakanya le go tsaya temo-thuo e le seikokotlelo sa botshelo jwa gagwe. “Fa ke ntse ke gola mo lwapeng ke ne ke etse tlhoko ka fa re neng re itshetsa ka teng. Re ne re lema, re rua leruo ka go farologana,”a tlhalosa jalo. O tlhalositse fa ka nako eo go ne go tumile go dirisa leruo jaaka ditonki le dikgomo go lema. Mme e re le ntswa mo nakong eno go lengwa le ka diterekere, Mme Matshameko o tlhalositse fa a sa ntse a tshegeditse segologolo sa go dirisa ditonki go lema ditema dingwe. O boletse fa a ne a bona go le maleba gore jaaka a godiseditswe mo temo thuong e bile a na le dikitso le bokgoni jo a bo kwataboloditseng mo batsading ba gagwe le ene a tshware fela jalo. A re ka puso e lemoga botlhokwa jwa temo e bile e thusa batho ka mananeo a tshwana le ISPAAD le LIMID o ne a seka a ipona tsapa go dirisa mananeo ao go reka dipeo, menontshane le gone tota go bolaya mhero. “Lenaneo la ISPAAD le ntlodisitse melatswana ka jaana le dirile gore ke atolose temo ya me,” a bua jalo. O tlhalositse fa go atolosa ditema tse a neng a ntse a di lema go dirile gore a rekise bontlha bongwe jwa thobo e a e bonang a bolela jalo a tlatsa ka gore letseno le a le bonang o ne a le dirisa go thiba ditiro tse dingwe tsa botshelo mo lwapeng. O bile a fa sekai ka gore dipoelo tseo di mo thusitse go ka itshimolela kgwebo ya dikoko tsa nama e a supileng fa e dira fela mo go kgotsofatsang mo nakong eno. Mme Matshameko o tlhalositse fa go lema le go rua go dirile gore a thape bangwe go mo thusa, mme seo a re ke nngwe tsela ya go thusa lefatshe leno go bula diphatlha tsa mebereko tse mo nakong eno e leng matshwenyego magolo. Mme Matshameko o tlhalositse fa mo pakeng eno ya temo a kgonne go lema ditema tse di robang bongwe. “Ke lemile ditema tse pedi tsa mohuta wa mabele a butler, ditema tse pedi tsa mmidi, tema e le nngwe ya manoko go tlhakane le ditloo, tema e le nngwe ya magapu,marotse le ntshe ga mmogo le ditema tse tharo tsa dijo tsa leruo tsa lablab,”a bolela jalo. Molemi morui yo o boletse gore e re ka jaana go na le gore mo dipakeng tse dingwe lefatshe le omelele ntateng ya dipula tse di boutsana leruo le tlhoke phulo e e nametsang, ene o lemela leruo la gagwe dijo go di jesa ka dinako tsa go nna jalo. O tsweletse gape fa go tshwara bokgola jwa dipula tsa ntlha nako le nako ga mmogo le go sala morago ditaelo le dikgakololo tsa ba selemisi ka paka ya temo go mo thusa fela thata go bona thobo go sa kgathalesege gore seemo sa loapi ke se se ntseng jang. “Gape nna ke na le lerato mo dijwalong tsa me” a bua jalo ka monyenyo a tlhalosa fa a tlhagolela dijwalo go di itsa go kgorelediwa ke mohero le gone go agelela masimo go tila gore leruo le mo senyetse dijwalo tsa gagwe. Mme Matshameko o ne a kgothatsa Batswana go dira jaaka ene go tsaya tsia temo-thuo ka dinako tsotlhe, gonne go dira jalo go ka thusa go menagane gore lefatshe leno le ntshe dijo tse di lekaneng. BOKHUTLO society 9 Linchwe o kgalema tiriso bana botlhaswa Kgosi Mothibe Linchwe o boletse fa borukutlhi mo kgaolong ya Kgatleng bo ba apesitse kobo ka letshoba. Fa a bua kwa mogwantong o o neng o rulagantswe ke sepodisi sa Kgatleng wa go lwantsha borukutlhi. Kgosi Linchwe o tlhalositse fa borukutlhi bo le kwa godimo thata mo kgaolong ya bone a supa fa jo bo tshwenyang thata e le jwa tiriso ya bana botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo. O boletse fa mokgwa wa go dira jalo o sa siama a kaya fa seo e le bosetlhogo thata mme o ne a kopa borre ba ba dirang jalo go emisa mokgwa oo. A re go ngomola pelo go utlwa dikgang tsa mofuta oo, a tlatsa ka gore bangwe e bile ba na le mokgwa wa go dirisa bana ba bone botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo mme o ne a tlhagisa borre ba ba dirang jalo gore fa a ka tshwarwa o tlaa felela a isiwa kgolegelong. Le fa go ntse jalo o ne kopa morafe go ema kgatlhanong le jone ka go dirisana sentle le mapodise a bo a rotloetsa dikomiti tsa twantsho borukutlhi go dira ka natla. Mo godimo ga mo, Kgosi Linchwe o gwetlhile mapodisi go tlhomamisa gore lenaneo la go aga sesha bao ba ba kileng ba dira melato ba le tseye tsia thata a tlatsa ka gore fa le ka tsewa tsia gongwe motlha mongwe borukutlhi bo tlaa nyelela. Mogolwane wa sepodisi sa Kgatleng, Officer Commanding Gilbert Mathumo a re ba bone go tshwanela go dira mogwanto oo go tsibosa le go ruta setshaba ka borukutlhi le bodiphatsa jwa go inaakanya le go dira borukutlhi. A re malatsi a botsalo jwa morena le ngwaga o mosha a setse a le gaufi mme ba bone gape go le maleba gore ba o dire mo nakong eno a tlhalosa fa e le yone nako e mo go yone go diragalang ditiragalo tse dintsi tsa borukutlhi. Mogolwane wa mapodisi o boletse fa ba tlaa bo ba ipapanne sentle mo malatsiang ao mme o ne a kopa kemonokeng ya morafe a supa fa ba ka seke ba kgone sepe ko ntle ga thuso ya bone go lwantsha borukutlhi jo bo ka diragalang mo malatsiang ao. Mo go tse dingwe o ne a kopa batho botlhe ba ba tsayang mesepele go netefatsa gore ba laela baagisanyi ba bone go ba tlhokomelela matlo gore magodu a seka a utswa. O ne gape a gakolola bakgweetsi go obamela matshwao a tsela dinako tsotlhe le go netefatsa gore dikoloi tsa bone di mo seemong se se siameng fa ba tsaya mesepele a tlatsa ka gore le batsamaya ka dinao le bone ba ikeletlhoko fa ba kgabaganya ditsela dinako tsotlhe. Fa a wetsa mafoko a gagwem, Mathumo o kopile Bakgatla go itshwara sentle ka malatsi ao gore ba amogele ngwaga o mosha go sena makgwere ape. Erile a fa malebo, mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Isaac Davids a leboga mapodisi a kgaolo ya Kgatleng ka go rulaganya mogwanto wa mofuta oo, a tlhalosa fa a eletsa gore o kare o ka dirwa kgwedi le kgwedi e bile o isiwa ko dikgaolong tse di farologaneng tsa Kgatleng. A re o lemogile gore borukutlhi bo bontsi thata mo lefatsheng leno ka bophara a re ke jone jo bo laolang lefatshe leno mo metlheng ya gompieno mme o ne a kopa Batswana go ema kgatlhanong le jone a re go botlhokwa go bo laola go thibela go isa itsholelo ya lefatshe leno ko tlase. Mopalamente Davids o ne a bua a sa kgwe mathe ka dipolaano tsa baratani a supa fa mo kgaolong ya Kgatleng dikgang tseo di ba tshwenya thata e le bagolwane ba kgaolo. O ne a rotloetsa borre go amogela seemo fa motho wa mme a fedisa botsala a tlhalosa fa go bolaya yo mongwe e se tharabololo mme ke go itsenya mo mathateng a a ka isang motho wa go nna jalo kwa kgolegelong. crime_law_and_justice 1 Borre ba kopilwe go tsaya boikarabelo Borre ba gakolotswe go nna le seabe mo kgodisong ya bana. Kgakololo e e dirilwe ke Rre Topo Autlwetse kwa Jwaneng bosheng, kwa moletlong wa dijo tsa maitseboa o o neng o diretswe go ipelela letsatsi la borre. Rre Autlwetse o ne a supa gore borre ba tshwanetse go nna sekao mo baneng ba bone ka go tlhokomela bahumagadi ba bone le go ba fa lerato. A re rre wa tlhwatlhwa o tlotla mosadi wa gagwe le go mo direla bonno. O ne a kgala borre ba ba betsang bomme, a supa fa seo e le kgokgontsho, go tlhoka go itlotla le go godisetsa bana mo mabakeng a a botlhoko. A re tiro ya ga rre ke go sireletsa mosadi wa gagwe mme fa go na le kgalemo e tshwanetse go dirwa ka lefoko e seng ka go tsholetsa seatla. Rre Autlwetse o ne a gwetlha borre go rata bomme ba bone le ka nako ya boimana ka jaana e le yone nako e ba tlhokang lorato le tlhokomelo go fitlhelela losea le goroga. Rre Autlwetse yo o nang le dingwaga di le masome a mane mo lenyalong, are puisano fa gare ga banyalani e tsisa tshwaragano, kagiso le kgodiso ya bana e e nang le boleng. “Rre jaaka tlhogo ya lelwapa, o tshwanentse go tlotlwa le fa a feletswe ke dithata tsa go ka tshetsa lelwapa ka lebaka la bogodi”, a tlatsa. A re fa go nang le lorato le tshwaragano teng, bana ga ba tshosiwe ka rrabone,ba a mo tlwaela ba bo b a nna ditsala. O ne a gakolola borre gore go latlha bana ba bo ba ba boela ba setse ba godile ga go supe maikarabelo, mme a ba gwetlha gore ba nne le seabe se se bonalang mo kgodisong ya ngwana go simolola fela ka boimana. O ne a akgola puso go bo e tlile ka molao o o patikang gore ngwana mongwe le mongwe a itse rragwe le ko a tlholegang teng, a tlatsa ka gore seo se tlaa dira gore borre ba tsee boikarabelo jwa bana ba bone. E ntse ele ko moletlong oo, Rre Autlwetse o ne a gakolola bomme gore borre ba rata go tlotlwa,ka jalo ba tlhoka basadi ba tlhwatlhwa ebile ba le kutlo. A re go eteletsa bomme ba ba thusang mo malwapeng go borai tota. Morotloetsi wa moletlo oo, Mme Gorata Ramasaka, o tlhalositse fa maikaelelo a one ke go lemoga seabe sa bo rre mo lelwapeng ga mmogo le mo kgodisong ya bana. Are borre ba tshwanetse go ikutlwa ba le motlotlo ka jaana tiro ya bone ya go etelela malapa pele,ele e kgolo mo sechabeng. health 6 Baithuti ba rotloediwa go ikgapha Go botlhokwa gore morago ga ditlhatlhobo baithuti ba ikgaphe mo nnotaging. O gakolotse baithuti go tswa mo boitaolong jwa go nwa bojalwa ka seo se ka senya isago ya bone go ka tsoga e nna babusi ba kamoso ba ba nang le boikarabelo. A re go utswa motshotelo ke molato o motho a ka o atlholelwang ka ke bogodu go ipha selo sa motho yo mongwe go sena tetla. A re ba itshwaragantse le ba sepodisi go ba thusa go tshwara dirukutlhi tse di utswang motshotelo, motlhaba, dikgong, mapako le magora kwa masimong. O tlhalositse fa dikgang tsa bogodu jwa leruo tsone di santse di ritibetse mme seo se le molemo ka ga ba ise ba begelwe dikgang dipe mo bogaufing. A re batho bangwe ba ba fiwang ditsha e se Batlokwa ba a di rekisa le ntswa ba segetswe ditsha tseo mo masimong a Batlokwa. O boletse fa ba kabo ditsha ba tshwanetse go aba ditsha ka tsela e e siameng, a supa fa masimo le masaka a Batlokwa a sa tshwanelwa go tsewa ka go dira gore ba tlhoke kwa ba ruelang teng. BOKHUTLO education 4 Mapodisi a tlhotlhomisa bogodu Mapodisi a Masunga a tlhotlhomisa ditiragalo di le mmalwa tsa bogodu. Mookamela mapodisi a Masunga, Superintendent Gaolatlhe Ngayaya, o boletse fa go ne ga thujwa matlo le marekisetso mme ga utswiwa madi le dithoto ka go farologana kwa Masunga, Vukwi le Gulubane. Supt Ngayaya a re mo nngweng ya ditiralo tseo, magodu a ne a thuba marekisetso mangwe kwa Gulubane mo bosigong jwa kgwedi eno e tlhola letsatsi, mme ba utswa madi le dithoto tse di ka lopang P7 000. Le fa gontse jalo, o ne a tlhalosa fa e rile ka Labobedi mo tshokologong mapodisi a Tatitown kwa Francistown, ba tshwara borre bangwe ba le babedi ba Batswana ba dingwaga tse di masome mane le bosupa le masome mane le borobabobedi kwa Borolong, tebang le dithoto tse ba neng ba di rwele. A re e ne ya re borre bao ba botsolotswa ke mapodisi ba supa fa ba thubile marekisetso mangwe kwa Gulubane, a tlatsa ka gore mongwe wa babelaelwa ke mmelaelwa gape tebang le bogodu jwa leruo. Supt Ngayaya o tsweletse a supa fa kwa Masunga, go ne ga thubiwa malwapa a le mane mme ga utswiwa dithoto dingwe. Kwa Vukwi gone go thubilwe marekisetso a dijo go bo go utswiwa dithoto tsa P600. A re e ntse e le kwa Vukwi, go ne ga supagala fa manweenwee ao, a ne a leka go thuba le kwa marekisetsong a bojalwa mme ga retela. Go ntse go le foo, o boletse fa malatsinyana fela morago ga ditiralo tseo tsa Masunga le Vukwi, ba ne ba begelwa ke bangwe ba ba nnang mo dipolasing dingwe tse di mo tikologong ya kgaolo, ka bangwe ba go belaesegang ba rwele dithoto tsa bogodu. A re mapodisi a ne a ragogela kwa lefelong leo kwa babelaelwa bao ba neng ba phuaganya dithoto dingwe mme ba le botsa phokoje, a tlatsa ka gore bangwe ba ba neng ba thubelwa ba setse ba supile dithoto tsa bone. Ka jalo, a re ba na le dipelaelo tsa gore bobedi jo bo tshwerweng kwa Borolong, bo ka tswa bo amega le mo ditiragalong tse di sa tswang go diragala tsa go thubiwa ga matlo le marekisetso mo tikologong ya bone. Go sale foo, Supt Ngayaya o ne a gakolola beng ba marekisetso le madirelo ka go farologana ka botlhokwa jwa go thapa badisa dikago, a bo a gakolola batho go leka bojotlhe go tsenya di dirisiwa tse di ka ba tsibosang fa sengwe se diragala, a re go dira jalo go ka thusa go kgaopetsa manweenwee go ba amoga dithoto tsa bone. crime_law_and_justice 1 A tikologo e tlhokomelwe-Masisi Tautona Mokgweetsi Masisi a re tikologo e botlhokwa mo go tlhabololeng botshelo le botsogo jwa setshaba. Tautona o buile se kwa motsaneng wa Serinane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ka Labone, Morule 27, mo loetong le le khutshwane la go dumedisa le go abela morafe mephuthelwana ya dijo tsa keresemose. A re go botlhokwa gore batho ka bongwe, ka bongwe ba tsee boikarabelo go tlhomamisa bophepa jwa tikologo e ba tshelang mo go yone. O bile a kgala batho bangwe ba ba leswafatsang tikologo ka tumelo ya gore baabo ba tlhamela bangwe diphatlha tsa mebereko. Tautona o kaile fa ene le MmaAtsile ba aba dimpho tseo ka tsholofelo ya gore di tla lere pharologanyo, monyenyo le boitumelo mo go ba ba di amogelang. O lebogile bopelonomi jwa makgotla le bagwebi ba ba phutholotseng letsogo go abela Batswana ba ba tlhokileng lesego, a tlatsa ka gore; ‘sejo sennye, ga se fete molomo’. Go abela Batswana mephuthelwana ya dijo, ga ga Tautona Masisi ke go leka go tukisa molelo mo malwapeng a tlhokileng lesego. Kgosi Malang Galeatle wa Serinane, yo aneng a aperwe ke boitumelo go amogela tautona mo kgotleng ya gagwe, o ne a mo kopa go tsibogela seemo sa diofisi tsa kgotla se a kaileng se le maswe fela thata. A re ere ntswa a lebogela dipalo tsa bodiredi jwa kgotla ya gagwe, ga a itumedisiwe ke go tlhoka fa ba direlang teng, se a reng se ama thata go ntshiwa ga maduo. Kgosi Galeatle o bile a kopa gore banana ba kgaolo eo ba segelwe sekidi sa lefatshe go re ba nne le fa ba ka direlang mananeo gone. Mopalametse wa kgaolo, Rre Liakat Kablay, o ne a leboga go bo tautona a ba lemogile mo gare ga dikgaolo tse dintsi tsa lefatshe leno, tse le tsone di nang le botlhoki jo gongwe bo fetang jwa Serinane. BOKHUTLO environment 5 A nyalo e tlotlwe Mothusa molaodi wa kgaolo- potlana ya Letlhakeng, Mme Tloto Mohurutshi a re e re le ntswa lenyalo e le selo se se tlotlegang thata, le latlhegelwa ke boleng fa le pateletswa bana ba ba sa lekanang go nyalwa. A re ka jalo go botlhokwa gore lenyalo le ikganelele fela mo bathong ba batona ba ba lekaneng go itseela tshwetso ya go tsena mo go lone basa pateletswe ke ope. Mme Mohurutshe o ne a bua jalo bosheng kwa tirelong ya go keteka letsatsi la ngwana wa mo Afrika kwa motsenmg a Tsetseng mo kgaolong potlana ya Letlhakeng. Moletlo oo o ne o tshwerwe morago ka jaana kgaolo ya Kweneng e ne e tlhomilwe go rulaganya moletlo mogolo, mme Mme Mohurutshi o ne a tswelela ka go kopa batsadi go netefatsa gore bana ba bone ga ba tsenngwe mo nyalong ba santse ba le bannye ka jaana selo seo e tla bo e le go tsuolola ditshwanelo tsa bone. A re nako e bana bao ba nyadisiwang ka yone ke dingwaga tse ba ka bong ba le ko dikoleng, mme o ne a kgala thata dingwao tse dingwe tse di rotloetsang go nyalwa ga bana jaaka go beeletsa. O ne gape a re mabaka a mangwe jaaka lehuma ga a tshwanela go dira batsadi gore ba pateletse bana go tsena mo nyalong, bogolo jang ka goromente o dirile mananeo a mantsi a nyeletso lehuma a a ka thusang batho go itshetsa. Mme Mohurutshi o ne a kopa batsadi gore ba inaakanye le mananeo a go intsha mo lehumeng. A re e re ntswa go sena dipalo-palo tsa bana ba ba pateleditsweng nyalo mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, go na le dipelaelo tsa gore nyalo eo e teng go lebilwe dipalo tsa bana ba basetsana ba ba tlogelang sekole. Mo go tse dingwe, mogolwane wa ofisi ya boipelego go tswa kwa Letlhakeng, Rre Tabona Kelapile o ne a kopa batsadi go tsenya maina a batsadi botlhe ka bobedi mo ditlankaneng tsa bana tsa matsalo jaaka molao o tlhalosa. A re go tlhoka go dira jalo go tsisa ketsaetsego fa motsadi wa ngwana yo o kwadilweng mo setlankaneng a tlhokafala, ka jaana ba ofisi ya boipelego ba tshwaragana le bothata ba sa itse gore a ngwana ke khutsana. society 9 Tsogwane o abela banni diterekere Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane, o abetse banni ba kgaolo ya Boteti Bophirima diterekere tse pedi le didirisiwa tsa tsone. Rre Tsogwane a re o lemogile fa balemi ba kgaolo ya gagwe ba tlhaelelwa ke didirisiwa tsa temo. A re le ntswa go sa lekana, o solofela fa di terekere tse di tlaa fokotsa letlhoko la bone. O tlhalositse fa bangwe ba ne ba lema morago ka lebaka la go tlhaela ga didirisiwa. A re le ntswa Batswana ba lekile go reka diterekere, ga go a lekana ka ebile dingwe tsa tsone di tlhaelelwa ke didirisiwa tsa segompieno. Rre Tsogwane a re o tlhamile lekalana la Tshomarelo Development Trust le a reng le tlaa tsamaisa diterekere tseo ka maikaelelo a go tlhabolola temo le go ntsha dijo. A re diterekere tse di tlaa bo di bereka kgaolo yotlhe, a tlhalosa gore e nngwe e tlaa ya ntlheng ya bophirima fa nngwe e leba botlhaba. A re o ne a kopa dithuso kwa ofising ya boemedi jwa lefatshe la China, mme ba sekegela tsebe kopo ya gagwe. Rre Tsogwane a re puso e tsweletse ka go tlhabolola lenaneo la ISPAAD gore Batswana ba lemele go ntsha dijo. O ne gape a rotloetsa batho go adima madi kwa dibankeng le CEDA gore ba kgone go reka didirisiwa tsa temo ka theko ya teng e sa tsenngwe lekgetho. O tlhalositse fa diterekere tse a di abileng e se tsa puso ebile di sena madi a a di tsamaisang, ka jalo go le mo maruding a morafe le ba ba tlhophilweng go tsamaisa Tshomarelo Development Trust. O boleletse banni ba Boteti gore puso e beile seemo sa ditlou leitlho, maikaelelo e le go di ntsha gaufi le batho, a re se se tlaa dira gore ba leme ka tshosologo. O ne gape a kopa bogosi le komiti ya ditlhabololo go tlhokomela didirisiwa tse a ba di ba abetseng. Mo go tse dingwe, Rre Tsogwane o ne a akgolela banni ba Xhumo go dira masimo a morafe ebile ba a ageletse le go a tsenya motlakase. Mokhanselara wa pele wa Tsienyane Bophirima, Mme Batoli Manyuni, o ne a lebogela Rre Tsogwane se a se dirileng, a re o dumela fa diterekere tseo di tlaa fokotsa selelo sa tlhaelo ya didirisiwa tsa temo. Mme Manyuni a re o solofela fa di tlaa dirisiwa sentle go thusa kgaolo ya Boteti Bophirima. Kgosi wa Moreomaoto, Kgosi Michael Masheto, le ene o ne a lebogela Rre Tsogwane go bo a arabile selelo sa kgaolo ya gagwe sa letlhoko la didirisiwa tsa temo. A re o solofela fa diririsiwa di tlaa dirisiwa sentle ebile batho ba tlaa thusiwa ka go lekalekana go sena dikgogakgogano. Modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Onobo Othusitse, a re di makgotla a merafe le dikoporase di botlhokwa ka gore di tlhabolola metse le kgaolo e bile batho ba kgona go roba sengwe mo go tsone. Modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Xhumo, Rre Lawrence Nkisang, a re didirisiwa tse di tlaa ba thusa thata ka jaana ba na le tshimo ya morafe ya di ekere di le masome a robabongwe le bone. economy_business_and_finance 3 Banna ba kgwathisitswe Kgosi Simon Nkageng wa kgotla ya Tati Siding kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba e rile bosheng a atlholela borre ba le babedi go pegwa dithupa ka molato wa bogodu. Bazibi Lephojane wa dingwaga tse di masome a mararo le bongwe le Chandapiwa Nkozi wa dingwaga tse di masome a mabedi le boroba bongwe ba motse wa Tati Siding, ba ne ba pegwa dithupa tse tlhano mongwe le mongwe wa bone morago ga go bonwa molato wa go utswa leokwane la diesel mo khamphaning e ba berekang mo go yone. Go bolelwa fa banna bao, ba ba berekang kwa China Railway, e e dirang tsela ya Francistown/Tonota, ba ne ba gopela leokwane la selekanyo sa dilithara di le 125 mo metshineng e e dirisiwang ke khamphani eo. Basekisiwa ba ne ba bonwa ke badisa dikago mo maitseboeng a kgwedi eno e le lesome le boferabongwe, ba ba neng ba loma mapodisi tsebe mme ba latedisa borre bao go fitlhelela ba ba tshwara ka leokwane leo. Kgosi Nkgageng o ne a itsese basekisiwa bao fa molato o ba o dirileng, wa go utswa fa ba direlang teng, o ka dira gore ba dise poo lebaka la dingwaga tse supa. A re fela o tsere tsia boikuelo jwa bone le ntlha ya gore ke lantlha ba dira molato. E ne e rile ba ipobola, bobedi joo jwa kopa lekgotla go ba utlwela botlhoko, ba tlhalosa fa kgolegelo e ka ba baya ka fa mosing. Rre Lephojane o ne a supa fa a tlhokomela bomonnawe e bile mosadi wa gagwe a itsholofetse, fa Rre Nkozi ene, a ne a tlhalosa fa a tsenya bomonnawe sekolo mo godimo ga moo, a na le ngwana yo mo nyenyane yo a mo tlhokomelang. Leokwane leo, le ne la tlisiwa fa pele ga lekgotla e le bosupi mme lekgotla la laola gore le busediwe kompone eo. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Banyana ba filwe mesangwana Bomme ba moepo wa Orapa, Letlhakane le Damtshaa ba ba kgweetsang dikatakata ba abetse basetsana ba sekole sa Makgadikgadi JSS kwa Mosu mesangwana e e jeleng P9 300. Mogolwane wa badiri wa ba maranyane ba moepo, Mme Onkutlwile Motlogelwa a re ba dirile jalo ka e le moono wa kompone ya bone go abela setshaba. A re ba ne ba tlhopha sekole sa Makgadikgadi ka se na le bana ba ba nnang mo sekoleng e bile bontsi e le ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. Mme Motlogelwa yo e leng monana, o ne a kgothatsa bana a tlhalosetsa gore motho o ntshwanetse a itse gore o batla go ya kae mo botshelong le gore o tlhoka go dira eng gore a kgone toro ya gagwe. A re ba ka kgona ditoro tsa bone fela fa ba ka tlhoafalela dithuto, ba tlhopha ditsala tse di siameng, go akanyetsa kwa pele le go bereka ka natla ka nako tsotlhe. Mme Motlogelwa a re ba tshwanetse ba netefatsa gore ba dirisa nako ya bone ya botshelo sentle e bile ba fa dilo tse di botlhokwa nako e ntsi. O ne gape a re ba seka ba itlhoboga le fa ba na le dikgwetlho di seka tsa ba kgoba marapo ba di fenye ka gore thuto ke yone fela e ka fetolang matshelo a bone. E rile a ba amogela ga mmogo le go lebogela dimpho, mogokgo wa sekole sa Makgadikgadi, Mme Keikagetse Mosokomane a tlhalosa gore sekole sa bone se tsaya bana ba metse e le metlhano e mengwe e le e e kgakala le ditlamelo. Mme Mosokomane a re badiri ba moepo ba dirile tiro e tona ka jaana letlhoko la mesangwana le kgoreletsa bana go ithuta, a tlhalosa gore dimpho tse di mosola fela thata mo matshelong a bana. Mme Mosokomane o tlhaolsitse gore palo e ntsi ya bana ba sekole se ke ba ba nnang mo sekoleng e bile ke ba ba thusiwang ke khansele. O tladitse gape ka go re ba na le tlhaelo ya barutabana. Mongwe wa badiri ba moepo, Mme Gloria Sebaka o ne a rotloetsa bana go itse mebele ya bone gore ba tle ba lemoge fa go na le diphetogo. Mme Sebaka o ne bua jalo a supa gore malwetse a mantsi a e bileng a ama le bone bana a tshwana le bolwetse jwa sukiri, kankere le a mangwe. Kgosi wa toropo ya Orapa, Mme Christinah Moloi yo o neng a eme nokeng bomme ba o ne a kgothatsa bana, a supa gore motho mongwe le mongwe o na le bokgoni. A re ba seka ba tlhabisiwa ditlhong ke seemo sa botshelo jwa bone e bile se seka sa ba kgoba marapo. Kgosi Moloi a re ba seka ba itlhoboga e bile ba gatelele botlhoki bo seka jwa ba gatelela, a tlatsa ka go re yo o bokoa mo dithutong a itsalanye le batho ba ba botlhale. Mme moloi a re botshwakga ke mmaba mo thutong, ka jalo a ba rotloetsa go tsaya dithuto tsa bone ka tlhoafalo. Mongwe wa baithuti, Atlasaone Abofilwe o ne a leboga badiri ba moepo go bo ba ba abetse dimpho e bile ba ba file dithuto le dikgothatso tse di mosola. Atlasaone a re o solofela gore baithuti ba tlaa di dirisa go ikaga le go fetola matshelo a bone.BOKHUTLO society 9 Botsalano jo bo lolameng bo ka tokafatsa maduo Mogolwane wa Scripture Union Botswana, Rre Baatweng Motladiile, a re botsalano jo bo lolameng fa gare ga motsadi le ngwana bo ka thusa go tokafatsa maduo mo dithutong le maitshwaro ka kakaretso. Rre Motladiile o buile seo kwa thuto seka-dipuisanong e e neng e rulagantswe ke sekole se segolwane sa Radisele bosheng. Maikaelelo e ne e le go lekodisana le batsadi ka kgodiso ya bana ba sekole seo, le go ba lemosa botlhokwa jwa thuto ga mmogo le go rerisana ka methale e ba ka e dirisang go tokafatsa maduo. Rre Motladiile a re batsadi ba tshwanetse go tlhaloganya bana ba bone le go bua le bone ba sa le babotlana ka dilo tse di botlhokwa mo botshelong, a rotloetsa bo rre go tsaya karolo e tona mo matshelong a bana go na le go tlogelela bomme ba le nosi tiro eo. Rre Motladiile o ne a bolela gore go le gantsi batsadi ba tabogela go otlhaya bana go na le go batlisisa se se ka tswang se baka gore bana ba seka ba dira jaaka batsadi ba eletsa. A re seo ga se a siamela ope wa bone ka kotlhao e ka se fetole sepe ntle le puisano. O buile fa go tshwenya thata gore sekole seo se bo se le mo maemong a bomasome a mararo le bone mo dikoleng tsa kgaolo ya Legare tse di masome a a robang bobedi le borobabongwe, a re ba tshwanetse go eletsa le bone go nna mo maemong a a ko godimo a tlhalosa fa seo se ka diragala fela ka tshwaragano e ka nna teng magareng ga batsadi, barutabana le baithuti. Fa a tswa la gagwe, Mme Cynthia Mahube yo e leng leloko la PTA, a re go botlhokwa gore bana ba nne le motheo o o lolameng go tswa kwa moding gore ba tle ba gole sentle ba itekanetse mo mmeleng le ditlhaloganyo. Mme Mahube a re tlhokomelo e ntle ya ngwana e na le seabe se segolo mo thutong ya ngwana. a re batsadi ba tshwanetse go netefatsa ka dinako tsotlhe gore bana ba na le tse ba di tlhokang jaaka kapari e feletseng ya sekolo ka botlhoki bope hela bo kgona go itsa ngwana go baa kelelelo ya gagwe yotle mo dithutong. O tsweletse a kopa batsadi gore ba itlwaetse go akgola bana fa ba dirile sentle go na le go nna ba bua le bone fela ba ba kgalela go sa dira sentle. Mongwe wa batsadi o ne a ntsha mogopolo wa gore e re dikolo di tswetswe, batsadi ba rotletse bana go dira ditlhopana tse ba ka nnang ba dira tiro ya sekolo mmogo. education 4 Ba Khurumolola ga ba naalane mowa le kgosi Banni ba kgotla ya Khurumela kwa Palapye ba re ba ngongorega ka tirisano mmogo e e lolea le kgosi ya kgotla ya bone. Banni ba ne ba isa dingongora tsa bone ka mokwalo kwa kgotleng e tona kwa Palapye ba tlhalosa ka dikgang tse ba sa tsosaneng ka tsone le kgosi ya bone, Rre Baki Kanyama. Fa ba tsibogela dikgang tseo, ba bogosi kwa Palapye ba eteletswe pele ke Kgosi Olebile Masego, ba re ga ba batle go losa banni ba Khurumela, mme ba tsile go ba agisanya, go utlwa matshwenyego a bone le go leka go tswa ka tharabololo ya one. Kgosi Masego one a bala mokwalo, mme a fa kgosi sebaka sa go ipobola. Morago ga go utlwa mafoko a mokwalo oo, Kgosi Kanyama o ne a re ene mafoko a a builweng mo mokwalong a masha mo ditsebeng tsa gagwe, a tlhalosa fa a sa itse se go buiwang ka sone gotlhelele. Kgosi Kanyama o ne a latola tsotlhe tse di builweng ka ene. O tlhalositse fa a rata morafe wa gagwe e bile a nna a le teng mo kgotleng. Kgosi o supile fa a ultwile botlhoko ka a sa dumele fa morafe wa gagwe e le one o ka mo sokelang dirope. Ntlha e e neng e tshwenya mo mokwalong o ke e e neng e supa fa ane a kgoreletsa le ikwadiso ya ditlhopho tsa setshaba, a re ga se dikgang tse a di itseng, mme a supa fa batho ba kgotla ya gagwe ba mmopela kgomo ya mmopa. Mo dikakgelong, Mme Boikaego Ditshupo o ne a re ba tlhoka thuso ya ga kgosi mme ga ba mmone ka ga a nne mo kgotleng. Banni ba re go molemo gore fa kgosi a lapile a ithole marapo ba tle ba batle yo o ka ba tswelang mosola. Rre Gorge Makhura ene o ne a farologana le banni ba Khurumela, a re ba kabo ba ne ba ipuile pele le kgosi ya bone go mo rolela dingongora tsa bone, go na le gore ba bitse phuthego e tona go tla go ntsha kgosi ka lesologolo. Kgosi Masego a re ba utlwile selelo sa banni ba Khurumela mme ba tla bitsa Kgosi Kanyama go buwa le ene. Bokhutlo politics 7 Kgosi Dithapo o akgola Amerika Kgosi Bringle Dithapo wa Maun o akgotse lefatshe la Amerika, a re le tswa kgakala le na le botsalano le lefatshe leno. O buile seo ko tirong ya go lekodisa moemedi wa Amerika mo Botswana Rre Earl Miller ka lenaneo la MAATLA le le rotloetsang tlhokomelo ya balwetsi ba kgotlholo e tona (TB) kwa malwapeng. E rile a bua kwa kokelwaneng ya Thito mo Maun ka Mosupologo (02/03/2015), Kgosi Dithapo o ne a tlhalosa fa lefatshe la Amerika e nnile lefatshe la bobedi go nna le boemedi mo lefatsheng la Botswana morago ga boipuso ja lefatshe leno. Kgosi Dithapo o ne a re lefatshe la Amerika le tshwanelwa ke ditebogo gonne le tsalane le lefatshe leno ka nako e Botswana a neng a sa huma, mme a supa fa lefatshe la Amerika le eme Botswana nokeng mo dikgwetlhong tse di tshwanang leuba le sebetso sa tsie. Gape o ne a lebogela lefatshe la Amerika go bo le tsweletse ka thotloetso ya lone mo kalafing ya bolwetsi jwa kgotlholo e tona ya kwa malwapeng. O ne a tlhalosa fa bolwetsi jwa kgotlholo e tona bo amanngwa le kgethololo ya balwetsi, mme a re lenaneo leo le tla a thusa go lwantsha seo ka le isa ditirelo kwa malwapeng a balwetsi. Rre Moalosi Moengotsile, yo a leng mongwe wa ba ba akotseng mo lenaneong leo, o ne a leboga ba botsogo le ba BOCAIP go bo ba tsere karolo gore a fole. O boletse fa a ne a gotlhola ka lebaka mme bolwetsi jwa kgotlholo e tona bo sa tshwarwe go fitlhelele a ya kwa kokelwaneng ya Thito. Rre Moengotsile o ne a supa fa baithaopi ba BOCAIP ba ne ba mo etela kwa ga gagwe ba mo fa le dikgakololo tsa gore a itshole jang le go phepafatsa tikologo ya gagwe. O ne a tshwaela fa bolwetsi jwa TB bo ka fola fa molwetsi a sala ditaelo tsa ba botsogo morago, a re o bonye ka ene a boetse mo seemong se se siameng. BOKHUTLO health 6 Maduo kwa Lobatse a a tshwenya Mmatoropo wa Lobatse, Mme Malebogo Kruger, o gwetlhile batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana go tokafatsa maduo a a welang tlase ka monokela. O buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Peleng Botlhaba ka Labobedi. A re maduo a baithuti ba toropo ya Lobatse a sa jese diwelang. Mme Kruger o gwetlhile batsadi go pataganela thuto ya bana le barutabana gore baithuti ba tle ba nne le bokamoso jo bo nitameng. O kopile batsadi go fokotsa go berekisa bana thata morago ga sekole gore ba kgone go tsepama mo dibukeng ba ithuta. O ne a ba kopa gape go tlhomamisa gore ba lekola tiro ya baithuti kwa malwapeng gore e re ba sa kgotsofalela sengwe ba ikopanye le barutabana go batlela moithuti tharabololo ka dithuto tsa gagwe. Mme Kruger o ne a gwetlha batsadi ba ba sa itewang seatla go inaakanya le ba ba iteilweng seatla go tswa mo masikeng go lekola dibuka tsa baithuti mo lwapeng. O ne a tlatsa ka go re go tlhoka tsebe ga banana go ile magoletsa, ka jalo a gwetlha batsadi go letsa moretlwa e le tsela ya go ruta bana maitsholo a a eletsegang go na le go ba lesa ba tswa mo tseleng. A re ka tsela eo, go tlaa ruta bana maitsholo a a eletsegang mo isagong ba bo ba nna babusi le banni ba ba nang le boikarabelo mme ba age lefatshe le le nang le botho jo bo eletsegang. Mo go tse dingwe o ne a kopa banni ba toropo go tlhomamisa gore ba tlhokomela loruo lwa bone go itsa gore lo saile mo mebileng. Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo ya Peleng Botlhaba, Rre Ontiretse Mosimanewamacha o kopile kemonokeng go tswa mo banning ba kgaolo go tshwagaranela kgetsi ya tsie le bone gore ba tle ba kgone maitlamo le maikaelelo a go isa kgaolo ya bone kwa pele ka ditlhabololo. O ba gwetlhile go boela mokgwa wa go supana ka menwana ka morago fa sengwe se sa tsamaya sentle mme a ba kopa gore ba dumalane ka bongwefela jwa pelo go fetola seemo go godisa tirisano mmogo mo kgaolong ya bone. Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa pele wa komiti ya ditlhabololo, Mme Joyce Seleka o ne a kopa bogogi jwa toropo go ba kopela ba ofisi ya Gender Affairs go tlhoma lekalana la yone mo Lobatse ka jaana bontsi bo kokonelwa ke madi a sepalamo go ya go kopa dithuso kwa Kanye. O ne a gwetlha banana go ititaya ka thupana go tlhomamisa gore ba akola mananeo a puso e a tlhomileng go tlhabolola matshelo a bone gore ba seka ba babalelwa ke manokonoko a lehuma. Mo go tse dingwe banni ba ne ba lela ka batho ba ba rekisang nnotagi mo malwapeng morago ga dinako tse di sa letlelelweng mme e bile ba supa fa ba ba tlhorontsha ka modumo bosigo. Fa a ba kgwa dikgaba, Mme Kruger o ne a tlhalosa fa ba fetiseditse selelo sa banana kwa go ba ba maleba mabapi le makalana a ditirelo a tshwana le bo CEDA le LEA, mme a ba tlhalosetsa fa ba sa tshwanela go neela tshwene marapo mme ba tlhagafalele go simolodisa dikgwebo go ngoka makalana ao go tlhoma dikago tsa sennela ruri mo toropong. Fa a afa malebo, mothusa mmatoropo e bile e le mokhansela wa kgaolo ya Peleng Botlhaba, Rre Francis Mokwena, o ne a lebogela matsapa a ga mmatoropo le makhanselara ga mmogo le bogogi jwa toropo go bo ba bone go tshwanela go kopana le banni ba dikgaolo ka go farologana go itseela ka tsebe mathata a banni ba kopanang le one. A re seo se tlaa thusa go godisa tirisanyo mmogo gareng ga bogogi jwa toropo le setshaba. O ne a kopa banni go kgaphela ntle mowa wa go nyatsana, a supa fa dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe. Rre Mokwena o ne a supa gape gore ba apesitswe kobo ka letshoba ke bana ba ba tletseng mo mebileng mme a kopa banni go tlhomamisa gore ba inaakanya le mekgatlho e e mo tikologong go ka tokafatsa matshelo a bana ba go nna jalo.BOKHUTLO education 4 Ncaang o dirisa mananeo Puso e tsweletse ka go ntshetsa Batswana mananeo gore ba tokafatse matshelo a bone ka one. Banni ba Ncaang mo kgaolong ya Kgalagadi ba inaakantse le mananeo a akaretsang nyeletso lehuma, la banana (Youth Development Fund) le la RADP go itshimololela dikgwebo. Go ya ka kgosana ya kgotlana ya gaMorakile gone ko Ncaang, Mme Kemoneilwe Seipone, dikgwebo dingwe di tsweletse sentle mme tse dingwe di santse di saletse kwa morago. A re ba ba apayang borotho ga ba ntshe pego ya gore ba tsweletse jang mme go lebega ba tsweletse sentle ka gore ba tsweletse ka go rekisetsa sekole se sebotlana sa Ncaang le banni ba motse borotho. Ba leruo la dipodi ba supile fa ba tsweletse sentle le fa mme ba na le dikgwetlho jaaka go swa ga leruo tse dingwe di jewa ke bophokoje mo sekgweng, ba ba sugang matlalo ba ntshitse pego ya gore ba saletse ko morago ka lebaka la tlhaelo ya ditsompelo fa ba ba rokang diaparo ba sa ntsha pego ya gore ke eng ba saletse ko morago. E re fa go ntse jalo, o tsweletse a tlhalosa fa go na le ba ba santseng ba ikopela go thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma. Baikopedi ba akaretsa ba le lesome ba leruo la dipodi le bomme ba babedi ba ba kopileng go thusiwa ka dipitsa tsa Setswana tse ba di hirisang mo meletlong. O supile fa baikopedi ba ba dumeletswe mme ba santse ba emetse go thusiwa. Le fa go ntse jalo mothusa mokwaledi wa VDC, Mme Nelly Magogobe le Mme Seipone ba re go ne ga nna le bokopano jwa ba lephata la Veterinary Services le baikopedi ba kgwebo ya dipodi ka kgwedi ya Tlhakole go ba rutuntsha ka tlhokomelo e e tseneletseng ya leruo, go itsa poelo morago ya kgwebo. society 9 Banni ba Struizendam ba setse mo logoeleleng Banni bangwe ba Struizendam mo Kgalagadi Borwa ba iphitlhetse ba le mo logoeleleng morago ga gore pula ya matlakadibe ya diphefo tse di mashetla le sefako di bake tshenyo e ntsi mo motseng le kwa sekoleng. Go ya ka mogokgo wa sekole se sebotlana sa motse oo, Mme Dzene Mannathoko mo puisanong le ba BOPA bosheng, tiragalo eo e diragetse ka Mosupologo mo maitseboeng. Mme Mannathoko a re marulelo a matlo mangwe a borutelo a gosomane, matlhabaphefo a senyega ga ba ga rutlologa leobo la kgotla. A re pula eo e nele ka bontsi mo nakong e khutshwane. O supile fa morutabana a le mongwefela e le ene a boneng dikgobalo tse dipotlana mo leotong a sena go segwa ke digalase tsa matlhabaphefo. Le fa go ntse jalo, o kaile fa tshenyo eo e sa kgoreletsa baithuti go tsweledisa dithuto ka matlo a mangwe a ne a sa amega. Mmaboipelego wa motse oo Mme Mokgabo Seageteng o boletse fa pula eo e dirile tshenyo e tona ka batho bangwe mo motseng ba sena le fa ba latsang tlhogo teng morago ga gore matlo a supa a rutlololwe ke pula. Mme Seageteng a re tiraglo eo ke poelo morago mo banning ba Struizendam ka e le mongwe wa metse e e kgakala thata le ditlamelo le gore bontsi jwa bone ba ’kobo dikhutshwane e bile ba tlhokomelwa ke khansele. A re matlo a mabedi mo go a a supang a senyegile thata le dithoto mme a re ka nako ya pego ba ne ba ise ba kale selekanyo sa tshwenyo. Mme Elizabeth Bok o ne a supa kutlobotlhoko a kaya fa go tlaa tsaya lobaka go baakanya ntlo ya batsadi ba gagwe ka ba ne ba thusiwa ke khansele ka lenaneo la SHHA le gore tshepo yotlhe ba tlaa e baya fela mo go Ramasedi. Fa a akgela mabapi le tshenyo eo, molaodi wa Kgalagadi, Rre Rapetse Mathumo o boletse fa ba ofisi ya gagwe ba setse ba dirile ditshekatsheko tse mo go tsone botlhe ba ba amegileng ba potlaketsweng go thusiwa ka ditente ke ba ofisi ya gagwe le go thusiwa ka dijo lobaka lwa dikgwedi tse tharo ke khansele. Rre Mathumo o ne a tlhalosa fa ba khansele ba tlaa thulanya ditlhogo go bona ka fa sekole se ka baakanngwang ka teng mo lobakeng lo lo sa fediseng pelo. BOKHUTLO society 9 Tiego e tshwenya molaodi Molaodi wa Kweneng, Dr Themba Mmusi a re ke maikaelelo a gagwe go tlhomamisa gore morafe wa Kweneng o amogela ditirelo tsa boleng ka nako le go itse ka mananeo a go tlhabolola matsheo a batho. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Mahetlwe ka Tshipi, Dr Mmusi a supa fa a tshwenngwa ke go gola ga dingongorego tsa morafe ka go diegelwa ka kitso ya mananeo le tiego ya go tsibogela matshwenyego. O tlhalositse fa e le tshwanelo ya morafe go itse lobaka lwa go emela tharabololo ya dikgang tse di ba tshwenyang e seng go amogela tlwaelo ya bodiredi gore dikgang di tsewa mofago. Dr Mmusi o solofeditse fa a tlaa kotela bodiredi go tlhomamisa gore dikgang di rarabololwa ka nako go hema dingongora. Fela o ne a kopa batho ba Mahetlwe gore le fa e le tshwanelo ya bone go supa matshwenyego ka tse di sa ba itumediseng, go nne le go tlotlana go aga tirisano mmogo fa ga re ga bone le bodiredi. Mo go tse dingwe, Dr Mmusi o solofeditse fa maiteko a go atolosa go balwa ga pampiri ya dikgang ya DailyNews mo Kweneng go tsweletse gore kgaolo e e bone yotlhe le fa e tlaa seke e nne ka dinako tsotlhe ka ntlha ya tlhaelo ya dikoloi. O solofeditse fa thulaganyo eo e tlaa tokafadiwa ka go dira mokwalo o o tlamang maphata go tseela metse pampiri ya dikgang, thulaganyo e a reng e tlaa nama e le bonya ka e tlaa bo e santse e simologa, mme a re maikaelelo ke go e rotloetsa go thusa go isa mananeo kwa morafeng. Batho Mahetlwe ba ne ba supa matshwenyego ka tiego ya go amogela mananeo le tiego ka tharabololo ya dikgang tse di amang morafe. Batho bao, mo go bone go le Rre Mmolaathebe Radikhukhu ba supa ka monwana molemisi wa kgaolo gore ga a ba thuse ka gope go tlhabolola seemo sa temo mo kgaolong, ba supa fa tsholofetso ya ga Tautona gore kgaolo ya Marungwane e agelwa letamo e phirimisitswe ke go nna maoto a tshupa ga molemisi. Seemo seo se tshwentse molaodi yo o solofeditseng go tsaya kgato ka go supa fa le ene a itemogetse ka bothata jo bo teng. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Mahetlwe, Rre Lebotsang Gobusamang, o kopile gore go okediwe dipalo tsa Ipelegeng go thusa go tlhabolola mafelo a a mo tikologong eo a a sa thusiweng ka jaana a bewa ka fa mosing ke 47 yo o fiwang kgaolo eo. Rre Gobusamang o ne a kopa go itse ka seemo sa tsela ya Hatsalatladi/Lentsweletau e a neng a kaya fa thulaganyo ya yone go lebega e kgaphetswe ntle le mororo e ne e abetswe madi. Le fa gontse jalo, mothusa molaodi wa ditlhabololo, Rre Kabelo Ntopo o latoletse morafe fa tshekatsheko ya lenaneo la ditlhabololo tsa setshaba e kgaphetse tiro eo kwa ntle mme e sa amogelwa go dirwa mo lenaneong la NDP11. Mokhanselara Simon Maroane ene o supile matshwenyego ka tiego ya lekgotlana la kabo ditsha la Lentsweletau gore le diegela go wetsa thulaganyo ya go tsaya masimo a a mo tikologong go sega ditsha. Mokhanselera o bile a kopa gore Mahetlwe a sekasekelwe go bona lenaneo la RASA ka jaana e se na ditlamelo fela jaaka metse e e kgakala le ditlamelo. BOPA society 9 Koporasi ya Kaudwane e tsweletse sentle E re ntswa puso e rotloeditse dikoporase go ikemela ka dinao go tswelela di tshegeditse itsholelo ya metse ya tsone, dingwe di santse di saletse kwa morago fa tse dingwe go setse matlotla fela. Le fa go ntse jalo, tse dingwe di gatetse pele. Koporase ya Kaudwane ke nngwe ya tse di santseng di tshegeditse itsholelo ya motse oo, ka e tsweletse sentle. Koposare eo, e rekisa dijo, dilwana tsa kago gammogo le dijo tsa leruo. E rile modulasetilo wa koporasi eo, Mme Mmaoshale Obotseng a bua mo potsolotsong le BOPA, a re koporasi eo e agilwe ke khansele ka 2005 mme ya e rola semmuso ka 2010 gore e nne ka fa tlase ga tsamaiso ya morafe. Mme Obotseng a re nako ya koporase e bulwa e ne e na le babereki ba le bararo ka e ne e rekisa dijo fela, mme ya re dingwaga di ntse di tsamaya bo e oketsa ka dijo tsa leruo gammogo le dilwana tsa kago. A re koporase eo e tsweletse sentle ka e ne ya thapa bana ba motse ba le batlhano go tlatsa ba bararo ba ba ntseng ba le teng. A re o motlotlo ka maiteko a bone a go thusa setshaba le go tlhama mebereko ka e bile mongwe wa ba ba hirilweng e le mo-na-le bogole. Mme Obotseng a re ntswa koporase eo e tsweletse sentle ba na le dikgwetlho tse di tlang di ba busetsa kwa morago. A re nngwe ya dikgwetlho ke gore setsha sa bone se sennye gape se bapile thata le sekole se sebotlana sa Kaudwane, ka jalo ga go motlhofo gore ba ka e oketsa ka go tsenya mafelo a itloso bodutu jaaka marekisetso a bojalwa. A re kgwetlho e nngwe ke gore banana ba ba hirwang ba tlogela tiro kgapetsakgapetsa, bogolo jang fa ba sena go amogela mme morago ba batle go boela tirong. A re ba bangwe ba tlogela tiro fela ka mabaka a a sa itsiweng. O boletse gore kgwetlho e nngwe ke gore banni ba motse ga ba tlhaloganye gore koporase e tsamaisiwa jang, ka jalo ba rata go gogagogana le maloko a a tsamaisang koporase eo. A re seo se dira gore ba seka ba tsamaisa koporase sentle ka dinako tse dingwe ba tlola melao ya tsamaiso ka go diragatsa se morafe o se lopang. Le fa go ntse jalo, Mme Obotseng a re keletso ya bone ke go oketsa koporase eo ka go tsenya marekisetso a bojalwa ka a re ga go na mabentlele a a rekisang bojalwa mme go apewa majalwa a a seng ka fa molaong. O weditse ka go kopa khansele gore e ba fe tiro ya go phakisa dijo tsa batlhoki le bana ba masiela. A re go phakwa kgakala kwa Dutlwe mme seo se dira gore banni ba motse ba tsamae sekgala se seleele ntswa go na le marekisetso a koporase mo motseng. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Kgaolwana e lebagwanwe ke kgwetlho ya go baakanya dikole Khansele potlana ya Palapye, e abetswe P12 million go baakanya dikole tse dipotlana. Mokwaledi wa khansele eo Rre Lucky Maoto o tlhaloseditse banni ba metse ya Majwaneng le Lerala gore metse ya kgaolowana eo e 27, e na le dikole tse dipotlana di le 37 tse di abetsweng P12 million go di baakanya. O buile jaana mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente yo gape e leng mothusa tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Setlhabelo Modukanele. Rre Maoto a re madi ao a mannye go ka dira tsotlhe tse dikole di di tlhokang. A re ba ne ba tsaya tshwetso ya gore ba itebaganye le paakanyo ya matlwana a boithomelo. O ne a tlhalosa fa ba tlhaloganya seemo sa dikole se se sa itumediseng, mme ba palediswa ke yone tlhaelo ya madi, a re fa ba boneng sengwe teng ba leka go se dirisa sentle go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go tla ka tharabololo. Ka kgang ya go atumetsa ditirelo kwa bathong, jaaka go dirwa ga boremelelo jwa ditirelo le kgaolwana, o ne a supa fa mathata e le tlhaelo ya ditsompelo, a supa fa bodiredi jone bo le teng mo makalaneng mangwe, jo bo neng bo ka romelwa kwa kgaolong ya Lerala. A re ba ne ba kopanela kgang eo le ba lephata la dikitsiso go kopa diofisi tsa bone go di dirisa mme kgang ya seka ya tswa tema. Mo go tse dingwe dikgang, banni ba Manaledi, Ratholo, Majwaneng le Lerala ba ne ba supa fa ba na le matshwenyego a taolo metsi, ba tlhoka kokelo le lebala la metshameko go itsa bana go tlalatlala le mekgwatha. Bangwe ba re sekole se segolwane sa Mmachibaba se agelwe maroko a bana, go ba fokoletsa mosepele o moleele o ba o tsamayang letsatsi le letsatsi, gape ba lebanwe ke bodiphatsa jwa go ka dirisiwa botlhaswa, segolo jang ba basetsana. Banni ba metse eo ba ne ba lebogela ditlhabololo tse ba di kgonneng ka madi a dikgaolo, ba re a ba thusa go tlhabolola metse. Banni ba ne gape ba re makalana a a ikemetseng jaaka ba motlakase le metsi, ba tshwaraganele le ba kabo ditsha go itsa dikgang tsa gore e re morago ga peo tsa ditsha ba metsi le motlakase ba bo ba re ba kwa ntle ga melelwane. Kgosi wa Majwaneng mo mafokong a gagwe a kamogelo o ne a kopa gore dikgosana di akanyediwe ka lemmenyana go ba tiisa moko mo tirong ya bone, ka ba dira tiro e bokete ya go di reba bogale pele di fetela kwa dikgotleng tse ditona fa di padile. O ne gape a bua ka tsela e e ba tshwaraganyang le Lerala, kwa bontsi jwa ditlamelo di tshwana le tsa botsogo di leng teng, a re a e potlakelwe go dirwa. Fa a leboga, Mokhanselera Gabogopolwe Sebele wa Lerala Botlhaba o ne a a kopa banana go emela metse ya bone ka dinao mo ditlhabololong go thusana le boeteledipele gore metse e gole. education 4 Mapodisi a tlhotlhomisa bogodu jwa dikgomo Mapodise a Phitshane-Molopo a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone borre ba le bararo ba ba lefatshe la Aferika Borwa ba utswileng dikgomo kwa polaseng ya Banyana. Fa a bua mo potsolotsong, motshwarelela mookamela mapodisi a kgaolo eo, Inspector Benjamin Modimoosi a re borre bao ba ne ba utswa dikgomo di le tharo ka mafelo a beke mme ba di tlodisetsa kwa Aferika Borwa Inspector Modimoosi o tlhalositse fa ba ne ba kgona go tshwara a le mongwe le kgomo e le nngwe kwa motseng wa Mabule gone kwa Aferika Borwa .Mo kgannyeng e nngwe a re ba tshwere mme mongwe wa letso la Zimbabwe a leka go tlodisa bana ba gagwe ba le babedi molelwane e se ka fa molaong kwa Phitshane Molopo. A re bana bao ba dingwaga di magare ga botlhano le boroba-bongwe mme go lebega ba ne ba tlola molelwane go tswa kwa Aferika Borwa batla mo Botswana. Inspector Modimoosi a re ba tshwere gape rre mongwe wa dingwaga di le masome a mabedi le bosupa wa motse wa Phitshane -Molopo mabapi le kgang e, ka go lebega a ne a thusa mme yoo go tlodisa bana bao molelwane. A re dikgang tsa go tlola molelwane e se ka fa molaong di a tshwenya mo kgaolong ya bone. A bolela fa banni bangwe ba metse e e bapileng le molelwane ba inaakantse le go dira jalo le ntswa ba itse gore ke molato. O ikuetse mo setshabeng go emisa mokgwa oo crime_law_and_justice 1 OAIC legae la dikereke tsa semowa Mothusa mokwaledi wa lekgotla la dikereke tsa semowa la Organisation of African Instituted Churches (OAIC) Rre Sizo Dibebe o rotloeditse dikereke tsa semowa tse di sa ikwadisang le lekgotla leo go ikwadisa. Mo puisanong le BOPA mo Tsabong o boletse fa OAIC e le legae la dikereke tsa semowa lefatshe ka bophara ka ke gone kwa di rutanang le go abelana dikitso, maele le dikgakololo tsotlhe teng. Rre Dibebe o ne a tlhalosa fa ‘bana ba tshipa ba itsanye ka mereto’ mme ke sone se mabutswapele a neng a lemoga fa e le maloko a dikereke tsa semowa tse di farologanyeng mme ba le mekgwa mengwe fela jaaka tiriso ya ditloloko, sekupu, go opa diatla, diphala, seaparo se se tshwanang le gone go kolobetsa ka go tshwana. A re ba ne ba thulanya ditlhogo gore ba tshwaragane ba nne seopo sengwe mme kwa bofelong go se nne le kereke epe e e thubegang. O supile fa ba ne ba dumalana ka lekgotla la OAIC le le neng la simolodisiwa ka 1978 kwa Cairo, Egepeto, ka maikaelelo a go kopana e le dikereke mo lefelo le le lengwe go rutuntshana le go fana maele a go ka godisa dikereke gammogo le go ikgodisa mo tumelong ya sekeresete. A re ka go anama ga OAIC lefatshe la Afrika ka bophara, lekgotla le ne la tlhangwa le mo Botswana ka 1985. O supile fa mo lefatsheng leno lekgotla le setse le kwadisitse dikereke tsa semowa di le 172. O supa fa e ne ya re morago ga go rolwa semmuso ga lekgotla mo Tsabong ngogola go ne ga nna le mokete o motona wa dikereke tsa semowa wa moopelo wa sedumedi e le gone go gwetlha dikereke tsa semowa ka lekgotla mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa. Rre Dibebe a re lekgotla le kopana le kgwetlho ya gore dikereke di santse di le maoto a tshupa go ikwadisa ka di sena kitso ka ga OAIC, jalo e le lekgotla ba tlaa tshwara thuto-puisanyo kwa metseng e e farologaneng go rutuntsha dikereke ka lekgotla le gore ba nne le lesedi ka ga lone. O ne a tlatsa ka go kgothatsa dikereke tse di setseng di ikwadisitse go tswelela di le seopo sengwe ka mowa wa popagano, tirisanyommogo, lorato le kutlwano mo ditirong tse di farologaneng tsa sedumedi ka se ke sone se se ka ba kgontshang go fenya dira le meleko.BOPA religion_and_belief 8 BOCRA e tsentse letsogo mo thutong E re ka Thuto e le yone konokono mo bokamosong jwa Motswana mongwe le mongwe, puso le makalana a a ikemetseng go ralala lefatshe lotlhe ba kgaogelwa ke mpeetshane go ka tokafatsa maduo a bana ba dikole. Lekalana la Botswana Communication Regulatory Authority (BOCRA) le tsere matsapa a go tswa ka methale e e farologanyeng ya go nna le seabe mo go tlhabololeng dithuto ka dibalamakgolo le maranyane a enthanete. Sekole se sebotlana sa Lehututu mo Kgalagadi Bokone ke sengwe sa tse di nnileng lesego mo lenaneong la BOCRA la go ruta bana dibalamakgolo. E rile mo potsolosong le maranyane a baya dilo bonolo, a re go tokafatsa fela thata maduo a baithuti ka le bone ka bonosi ba ka kgona go tsena fela mo maranyaneng Mme ba kgone go bala,kana go boisana le bankane ba bone kwa dikolong tse dingwe go fana maele. Rre Bogosi a re dithuto tse di simologile sentle monongwaga ka Tlhakole, a re le fa mororo di dirisiwa tsone di sale di tsile ngwaga o ofitileng,fela ga bo go sena morutintshi,Mme o ne a tlhalosa gore dithuto tse diakaretsa baithuti go simolola fela ka ba ngwana o ruta ngwana/ thuto go tswa kwa moding go ya go felela ka ba lekwalo la bosupa. O ne a tlhalosa gape gore lenaneo le ga se gore go rutwa fela bana ba sekole dibalamakgolo ba le nosi, a re le barutabana ba a rutintshiwa, a re se ke ditshegofatso go tswa kwa Modimong. Areonaletumeloeetletseng ya gore lenaneo le le tsile go ntsha maduo a a nametsang. OneasupafabaBOCRAba ne ba solofetsa gore le batsadi mo Lehututu ba na le keletso ya go ba fitlhelela. Arelenaneolefabakale amogela ka matsogo oo mabedi le ka ba tswela mosola. Mogokgo o lebogetse ba BOCRA go ba tswa thuso ka lenaneo le le le ka a re gompieno bana go tsile go nna bonolo mo go bone fa go buiwa ka dilo tse di tshwanang le Palamente ya Botswana, dinoka, diphologolo tsa naga ka ba ka kgona go di bona mo maranyaneng, mme go nne bofefo go ka tlhaloganya. Rre Bogosi a re le fa go ntse jalo o na le matshonyego ka batsadi ba ba ikgatholosang dithuto tsa bana ba bone. A re ngwana go nna motlhofo fa le batsadi ba gagwe ba na le seabe mo dithutong tsa gagwe, ka jalo o kopile morafe go tsaya maikarabelo ka dithuto tsa bana ba bone. education 4 Dilokwana o itumelela Ipelegeng Rre Tefo Mokgethisi wa motse wa Dilokwana gaufi le Jwaneng a re o leboga puso ka lenaneo la Ipelegeng le ene le bangwe mo motseng oo ba akotseng maduo a lone. Rre Mokgethisi o buile se mo potsolosong le ba lekalana la BOPA bosheng. O ne a bua a itebagantse thata le letangwana le le mo motseng oo le a reng le epilwe ke badiri ba Ipelegeng. Rre Mokgethisi a re ke leloko la komiti e e neng ya tlhangwa go tlhokomela letamo leo. A re letamo leo le le ka nnang boteng jwa dimithara di le tharo le bophara jwa dimithara tse di lesome le dirisiwa thata ke barui ba ba nosang leruo la bone. Le fa go ntse jalo, Rre Mokgethisi o ne a tlhalosa gore ga se mongwe le mongwe yo o nosang mo letamong leo. A re tsamaiso ke gore motho a ntshe madi a a kanang ka P50 gore a nose mo letamong leo. A re metsi a letamo a laolwa ke gore dipula di na jang, a tswelela ka gore go le gantsi letamo le kgona go nna le metsi mo dikgweding tse nne go ya kwa go tse thataro. Rre Mokgethisi a re letamo leo le le ageletsweng le na le kgoro e e lotlelwang go itsa tsamaiso e e sa lolamang. A re mo nakong ya gompieno go setse go na le batho ba ka nna lesome ba ba nosang mo letamong leo. A re madi a koleke a ba thusa go reka dilo di tshwana le dilotlolo tsa kwa letamong leo le go phepafatsa lefelo le letamo le epilweng mo go lone. Le fa go ntse jalo, Rre Mokgethisi o akgotse lenaneo la Ipelegeng fela thata, a re badiri ba lone ba thusa fela thata ka go tswelela ba epa letamo leo ba bo ba thusa go le phepafatsa. Rre Mokgethisi wa dingwaga tse di masome a mane le bongwe o rotloeditse thata barui ka kakaretso go leka ka bojotlhe go somarela ditsatlholego ka di ka boloka matshelo a bone. O ne a bua jalo a itebagantse le dilo di tshwana le matamo,bojang le ditlhare. ENDS society 9 Seoke o tlaa bolokwa kwa Mochudi ka moso Mongwe wa baruti ba ntlha ba kereke ya Dutch Reformed Church kwa kgaolong ya Kgatleng, Moruti Joseph Seoke, o tlaa bolokwa kwa Mochudi ka moso (Matlhatso). Moemdi wa lelwapa, Rre Seoke Seoke, a re moruti o diretse Bakgatla mo tumelong ka lebaka le le leele, bogolo jang ka a ne a dumela gore tumelo ga se motshameko. A re rangwaneagwe o ne a segofala thata ka a ne a nna le sebaka sa go tsena sekolo, bogolo jang ka rraagwe a ne a dumela gore ene o tshwanetse go ya sekolong. Rre Seoke a re Moruti Seoke o tshotswe ka ngwaga wa 1932 e le ngwana wa bone mo lwapeng la bana ba supa. A re batsadi ba gagwe, Rre Radikhu Seoke le Mme Mmatau Seoke ba ne ba segofaditswe ka bana ba le supa, basimane ba le barataro le mosetsana a le mongwe. O ne a tlatsa ka gore Moruti Seoke ke mongwe wa bana ba ba neng ba nna le lesego la go tsena sekolo. Rre Seoke a re moswi o ne a ya go dira dithuto tsa gagwe tsa boruti kwa Aferika Borwa mme a di tsweledisa gape ka dingwaga tsa bo 1960-1963. A re e ne ya re a sena go wetsa dithuto tsa boruti a bo a boela gae mme ka ngwaga wa 1964 a simolola tiro ya boruti kwa Mochudi. Ka ngwaga wa 1972, Moruti Seoke o ne a fudugela kwa phuthegong ya Sikwane, mme a e etelela pele go fitlhela a boela gape kwa Mochudi ka 1977. Rre Seoke a re moruti o diretse makgotlana a le mantsi mo lefatsheng la Botswana go akarediwa la Botswana Christian Council, Kgolagano College, Mochudi Ministers Fraternal le a mangwe. A re e ne ya re ka ngwaga wa 1979, a nna modulasetilo wa komiti e kgolo ya kereke mme e le tiro e a neng a e dira ka botswapelo. Rre Seoke a re Moruti Seoke o ne a direla komiti ya khansele e e fang diteseletso tsa go gweba, e bile gape e ne e le modulasetilo wa kokelo ya Deborah Retief Memorial. A re e re le ntswa a ne a tlogela boruti ka ngwaga wa 2001, ga a ise a ko a nne fatshe, ka a ne a tswelela a direla setshaba mme e bile a bonwa kwa kerekeng nako le nako le mo ditirong tsa motse mme e bile ele ene a etelelang pele ka thapelo le gone go opela tota ka a ne a rata kopelo fela thata. Rre Seoke a re rangwaneagwe o ne a dumela gore moruti o tshwanetse go nna le kgolagano le dikereke tse dingwe le gone go itse gore bone ba rapela Modimo ka tsela e e ntseng jang ka gore Modimo one o mongwefela. A re ka jalo o ne a kgothatsa baruti ba bangwe go nna le kgolagano gore ba kgone go bereka mmogo go godisa lefoko la Modimo. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Kgosi ga a itumelele boitsholo jwa banana Banni ba metse e e kwa kgaolong ya Tswapong Borwa ba ikuetse mo go mopalamente wa bone, Mme Dorcas Makgato ka bogodu jwa leruo. Kgosi Bompoetse Gotshwanetse wa Mhalapitsa o tlhalositse mo phuthegong ya kgotla gore ba tlhorontshiwa ke magodu a leruo a a tlhotlhelediwang ke beng ba marekisetso a nama. Kgosi o kopile gore go baakangwe molao gore fa motho a tshwarwa ka leruo la bogodu, a seka a letlelelwa go emela tsheko kwa ntle ga kgolegelo. Kwa Maape, Rre Selala Boitshwarelo yo e leng monana ebile e le mongwe wa baithaopi ba ba thusang go lwantsha borukutlhi o boleletse mopalamente gore borukhutlhi ga bo fokotsege ka lebaka la gore batsadi bangwe ba bipa mpa ka mabele fa bana ba bone ba sentse e re morago ba felele ba nna le letlhoo mo go bone. Fa a araba, mopalamente o boletse fa puso e leka go bona gore molao o a baakanngwa gore fa mogwebi a fitlhelwa ka leruo le a le rekileng e le la bogodu a tseelwe dithoto tse di dirisitsweng go utswa leruo. A re ya gore motho fa a le kwa kgolegelong a seka a gololwa fa dingwaga tse a di atlhotsweng diise diwele a re eo tota go abo go lebilwe boitsholo jwa gagwe fa a ntse a le mo kgolegelong go bo gotwe o bakile ga nke a boelele mme a utlwelwe bothoko. Mme Makgato a re fa e le gore go na le bangwe ba ba bipang mpa ka mabele mo dikgannyeng tsa bogodu jwa leruo, ba itse gore tshenyego ke ya motse wa bone mongwe le mongwe wa amega ka gore nako nngwe go ya go senyediwa ene. Mopalamente o tlhalositse fa palamente e tsweletse le go baakanya melao mengwe ka maikaelelo a go tokafatsa seemo sa tsamaiso ya lefatshe mongwe e le wa go lwantsha bogudu jotlhe. Botswana a re e ntse e le sekgantshwane ka moitsholo jaanong o setse a tsena mo seemong sa go lejwa ka leitlho le sele ka lebaka la bogodu jo bo setseng bo tlhagelela le kwa ntle ga lone. O tshepisitse fa palamente e tlaa itepatepanya le le seemo se. BOKHUTLO health 6 A ba-na-le bogole ba itseele ditshwetso Batswana ba lemotshitswe fa mo-na-le bogole e le motho fela jaaka o mongwe le mongwe. Mothusa kgosi wa Balete, Kgosi Tsimane Mokgosi o supile fa mo kgaolong ya ga Malete, ba-na-le bogole ba sa kgethololwe, ke sone se batho ka bontsi ba akanyang gore ba-na-le bogole ba bantsi mo kgaolong e, ka jaana ba sa fitlhwe ka fa mahure. O ne a bua kwa moletlong wa letsatsi la ba-na-le bogole ka Labone. Kgosi O boletse fa maranyane a a itebagantseng le ba-na-le bogole a ka ba thusa gore ba tshele botshelo ka botlalo ba sa tlhaele ditsompelo e bile ba sa kgorelediwe ke ope. Kgosi Mokgosi o boletse fa go nyenya motho e le go se mo thuse fa o mmona a sokola ka ntlha ya bogole. Modulasetilo wa mokgatlho wa ba-na-le bogole, Rre Elliot Garetshele o ne a supa fa maikaelelo a letsatsi leo e le go tsibosa ba-na-le bogole, batlhokomedi ba bone le setshaba ka kakaretso gore bo-na-le bogole ga se go palelwa. O boletse gape fa ba-na-le bogole ba na le ditshwanelo tsotlhe tse Motswana mongwe le mongwe a nang le tsone. O kopile Batswana go baya ba-na-le bogole mo pontsheng, le gone gore mongwe le mongwe o tshwanetse go tsenya letsogo go ba thusa. Mopalamente wa Ramotswa, Rre Samuel Rantuana o ne a supa fa go tswa goo-Lowe, maranyane a ne a ntse a na le karolo mo go laoleng ka fa batho ba tshelang ka teng. O tlhalositse fa ditiro dingwe di sa tlhoke gore motho a bo a itekanetse mo mmeleng go ka di dira, a supa fa ba-na-le bogole le bone ba ka di dira. O boletse fa ba-na-le bogole ba itse se ba se tlhokang, ka jalo go le botlhokwa gore ba tseye karolo mo mananeong a ditlhabololo, e seng gore ba akanyediwe gore ba tlhoka eng. Mopalamente o supile gape fa ba-na-le bogole ba na le tshwanelo ya go nna le sephiri, ka jalo go le botlhokwa gore maphata a puso ba itse puo ya diatla, gore e re fa ba kopa thuso ba seka ba simolola ba ya go batla motho yo o ka ba ranolelang. O tlhalositse gape fa go le botlhokwa gore ba-na-le bogole ba seka ba salela morago mo go tsa maranyane society 9 Maphata a puso a isa ditlamelo kwa Matlhakola Badiri ba maphata a puso ka go farologana ba eteletswe pele ke ofisi ya ga molaodi wa Palapye e rile bosheng ba isa ditlamelo kwa Matlhakola mo kgaolong ya Tswapong. Fa a buisa morafe ka letsatsi leo, Molaodi wa Palapye, Rre Odiseng Moruti o ne a re ba bone go le botlhokwa go isa ditlamelo kwa Matlhakola ka banni ba tsaya ditirelo kgakala kwa Palapye. A re ditirelo di tshwana le tsa kwadiso ya Omang di botlhokwa, bogolo jang ka lefatshe leno le ipaakanyetsa kwadiso ya ditlhopho tsa 2019. Rre Moruti o rotloeditse ba boOmang ba bone ba tlogang ba fela go ba shafatsa gore ba kgone go ikwadisetsa ditlhopho, a tlatsa ka go re monongwaga, ga go na ikwadiso ya tlalaletso. Fa a tswa la gagwe, mogolwane kwa khanseleng ya Palapye Rre Kegopotswe Mayana a re khansele e ntsha ditirelo ka go farologana, nngwe ya tsone e le tsa boipelego, diteseletso tsa dikgwebo le ditirelo tsa melawana ya khansele le lenaneo la kago ya matlo. Fa a tswa la gagwe, mokwaledi wa makgotla a Setswana Mme Thetologo Ramatlhaku a re tiro ya lekgotla la Setswana ke go tsisa kagiso mo bathong ka go agisanya morafe. A re kgotla gape ke gone kwa merero yotlhe ya motse e direlwang teng. Fa a tlatsa mafoko ao, mothusa kgosi wa Palapye Kgosi Michael Maforaga o tlhalositse fa le ene a bone go le maleba go tsisa ditirelo tsa ofisi ya gagwe kwa banning ba Matlhakola. A re o tsile go thusa ka dikgang tse di saletseng kwa morago go rarabolowa, ka motse oo o tsere lebaka o sena kgosi. Kgosi Maforaga a re kgaolo ya Tswapong e tshabelelwa ke dikgang tsa bogosi, a tlatsa ka go re go lwela bogosi go a tshwenya. A re morafe o na le tshwanelo ya go tla kwa ofising ya Palapye go ngongorega gore dikgang di rarabololwe. BOKHUTLO politics 7 Banni ba supa lekgotla ka monwana Banni ba kgotlana ya Dandane kwa Bobonong le ba Molalatau ba supile lekgotla la kabo ditsha la Bobonong ka monwana, ba re lea ba lotlhanya. Banni ba supile lekgotla le ka monwana morago ga gore go tsoge kgaruru e banni ba kgotlana ya Dandane ba neng ba supa fa banni ba Molalatau ba baya ditsha tsa masimo kwa merakeng ya bone. Ba Dandane ba tlhalositse fa ba ba bayang ditsha kwa Molalatau ba tlodile molelwane o kgaoganyang Molalatau le Dandane, o o saleng o kgaogantswe ke tona ya pele wa matlo le ditsha, Rre Michael Tshipinare. Banni ka bobedi ba supile lekgotla le ka monwana bare ba ipotsa gore go tsile jang gore lekgotla la kabo ditsha le dumele go baya banni ba Molalatau masimo kwa merakeng ya bone. Banni ba ne gape ba tlhalosa fa se se botlhoko ele gore ga go na therisanyo epe go tswa kwa lekgotleng leo. Kgosana ya Dandane, Rre Thuso Agosi, o tlhalositse fa babei ba ditsha ba motse wa Molalatau ba setse ba beile masimo ale lesome le boferabobedi kwa merakeng ya Mohawaneng. Rre Agosi a re ba sale ba begetse lekgotla la kabo ditsha kgang e ka ngwaga wa 2009 mme la ba itlhokomolosa go fitlhela ba latedisa kgang e gape monongwaga, morago gago bona seemo se golela pele; masimo a tswelela ka go bewa kwa lefatsheng la bone mme go sena therisano epe. Rre Agosi o tlhalositse fa lekgotla la kabo ditsha le tshwanetse le ka bo le tsibogetse ikuelo ya bone le go nna le rerisana le banni ba kgotlana ya Dandane le banni ba Molalatau go hema dikgang tsa mofuta o. Kgosi ya motse wa Molalatau Rre Solomon Pharithi, o tlhalositse fa bogosi jwa Molalatau bo sa itse sepe ka kgang e, e bile ba ntse ba sa lemoge fa ba kabo ditsha mo motseng wa bone ba baya ditsha kwa ba sa tshwanelang gore ba ka di baya teng. Rre Pharithi a re boikuelo jwa boora Dandane bo tshwanetse jwa reediwa mme kgang e ya rarabololwa ka kagiso ka gore fa esa tsibogelwe ka bonako e ka baka dintwa fa gare ga banni. O ne a kopa mogolwane wa lekgotla la kabo ditsha mo Bobonong go bitsa babei ba ditsha ba kgotlana ya Dandane le ba Molalatau ga mmogo le dikgosi tsa bone go rarabolola kgang e ka kagiso. Mogolwane wa lekgotla la kabo ditsha la Bobonong Rre Placid Lombala o tlhalositse fa boikuelo jwa banni ba kgotlana ya Dandane bo gorogile kwa ofising ya gagwe, mme go tla dirwa ditlhotlhomiso. Rre Lombala o tlhalositse fa atla dirisanya le bagolo ba kgotlana ya Dandane le Molalatau baba itseng fa molelwane o o ba kgaoganyang o leng teng, ka bone ele ba kabo ditsha ba ka tswa ba sa itse fa o welang teng. O tlhalositse fa lekgotla la bone le tla tlhotlhomisa kgang e mme le e rarabolole ka bonako e ise e tsose kgaruru gareng ga bobedi jo. O ne a kopa banni ba Dandane le ba Molalatau go dirisana sentle le lekgotla la bone nako e le tla bong le tlhotlhomisa kgang e gore e tle e rarabololwe ka bonako le kagiso. BOKHUTLO society 9 Makhanselara a kopa khansele go tsiboga Makhanselara a khansele potlana ya Serowe a kopile bodiredi go tsibogela go dira ditlhabololo nako le nako fa ba fiwa madi. Ba re mo nakong e, ditlhabololo ka bontsi tse di neng di filwe madi di saletse kwa morago fa go na le tse dingwe tse dikgologolo tse di batlang go tsibogelwa. Ba buile se kwa bokopanong jwa khansele potlana eo ka Mosupulogo. Bontsi jwa makhanselara bo ne gape jwa supa fa ditlhabololo dingwe tsa dikgaolwana tsa bone di sa wela sentle fa bangwe ba ne ba supa fa ditlhabololo di dirilwe mme di sa nametse. Mokhanselara wa Thabala/ Mogorosi, Rre Edward Gaefele, o tlhalositse fa motshelakgabo oo dirilweng kwa Thabala o setse o dirisiwa mme a re ga itumelele boleng jwa one, jo a reng bo kwa tlase. O ne gape a ngongoregela boleng jwa tsela e e yang kwa community hall a re ga e a dirwa sentle. Rre Gaefele o ne a kopa bodiredi jwa khansele jo bo itebagantseng le go sekaseka gore a dikago kana ditlhabololo di weditswe sentle go tlhodumela gore a se se dirilweng ke sa maemo a a kwa godimo go na le gore se amogelwe fela le ntswa se na le fa se sa dirwang sentle. Le fa go ntse jalo, mokhanselara wa Mogatsapoo, Rre Vuyo Yane, ene o ne a supa fa a sa itumelele tshwetso e e tserweng ya gore go emisiwe madi a ditlhabololo a dikgaolo. A re makhanselara ba ne ba beile thata mo go one ka a ne a tlhabolola dikgaolwana tsa bone. A re go emisiwa ka nakwana ga lenaneo la Ipelegeng go beile bontsi ka fa mosing, segolo bogolo ba ba sa direng le ba ba kwa metseng e mennye. Fa a tsibogela mafoko a makhanselara, mogolwane go tswa kwa go ba mealo ya dikago Rre Ofentse Moatshe o ne a dumelana le makhanselara gore go nnile le tiego mo khanseleng potlana ya Serowe. O ba solofeditse fa khansele e tla dira gotlhe mo e ka go kgonang go feleletsa ditlhabololo tse di saletseng kwa morago a bolela fa madi a tsone a le teng. politics 7 Kgosi o gakolola baithuti go ikgapha Kgosi Benjamin Bailelwang wa Bogogobo kwa kgaolong ya Kgalagadi o gakolotse baithuti ba mophato wa ntlha kwa sekoleng se segolwane sa Kgolagano kwa Middlepits go ikgapha mo nnotaging. Kgosi Bailelwang o buile se bosheng kwa moletlong wa kabo ya dimpho tsa baithuti ba ba dirileng sentle mo lekwalong la bosupa ngwaga oo fetileng. Kgosi o ne a popotha legetla mopalamente wa pele wa kgaolo ya Kgalagadi Borwa, Rre John Toto, le mokhanselara wa pele wa kgaolwana ya Kolonkwaneng/Bogogobo, Rre John Lentshikang, ka tiro e ntle e ba e dirileng ya go abela baithuti dikgele. O ne a gwetlha baithuti bao go tsenya marapo mo dinameng mo dithutong ka e le tsone konokono mo isagong ya bone. Kgosi Bailelwang o ne a ba gakolola go nna le botho ka seo se ka ba thusa go nna batsadi ba ba nonofilengka moso. E re ka jaana kgokgontso bogolo jang ya bomme le bana ba basetsanyana e tlhakaladitse mo lefatsheng leno, kgosi o ne a kgothatsa baithuti gore ba seka ba mpampetsa mme ba ikuele mo go ba ba tshwanentseng gore badira molato ba tseelwe dikgaoto. Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole seo, Rre Keduetswe Kgositlou, o ne a tlhalosa fa maduo a sekole seo a tswa kgakala a sa kgatlhise mme maitlamo a mopalamente le mokhanselara ba pele, a dirile gore go nne le tsholofelo le pharaologanyo a supa fa ka ngwaga wa 2016 e ne e le 44 per cent, 2017 44 per cent, 2018 50 per cent mme ngwaga oo fetileng a tsholetsegile go ya kwa go 87.5 per cent. A re maduo ao a supa fa sekole sa Bogogobo se ikgapetse maemo a bone mo dikoleng di le masome a mane le bobedi mo kgaolong ya Kgalagadi selo se a reng se ba tiisitse moko. Mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto, Mme Felicity Sebina, o ne a abela baithuti ba ba dirileng sentle mo letshwaong la A ba le bane dikopi. O ne a ba kgothatsa go tshwara ka natla le gore ba seka ba kgoba kgobe ka mutlwa ka gantsi fa ba le kwa dikoleng tse dikgolwane maduo a bone ka bontsi a felela a wela kwa tlase. Mme Sebina o ne a gwetlha baithuti go sala morago melawana ya ba lephata la botsogo ka nako tsotlhe go sireletsa mogare wa corona oo apesitseng mafatshe ka bontsi kobo ka letshoba. Mme Sebina o ne a galaletsa bagokgo mo kgaolong eo go bo ba dira go le gontsi go tlhomamisa gore maduo mo dikoleng tsa bone ke aa itumedisang. Fa a ntsha la gagwe, Rre Toto o ne a rotloetsa batsadi go ema baithuti nokeng ka nako tsotlhe le gone go ba neela sebaka sa go ithuta fa ba le kwa malwapeng. Rre Toto o ne a supa fa ba tla tswelela ka maikaelelo a bone go rotloetsa thuto kwa dikoleng tsa Kolonkwaneng le Bogogobo ka di gaisenela kopi ngwaga le ngwaga. A re bana ba tshwanetse go rutwa bomosola jwa thuto ba sa ntse ba le bannye ka jaana ‘lore lo ojwa lo sa le metsi.’ Modiri wa lephata la thuto, Rre Disang Mhologaphata, o ne a kgothatsa dikhamphane, maphata a puso, batsadi le setshaba ka kakaretso go ikabela dikole kana bana bangwe ba batsadi ba bone ba tlhokileng lesego mo botshelong ka seo se ka ba kgontsha go fitlhelela ditoro tsa bone bogolo jang ba ba nang le bokgoni mo thutong tsa bone. Rre Mhologaphata o ne a gatelela gore baithuti ba seka ba tshameka ka sebaka sa bone kwa sekoleng mme gonne mo maruding a bone gore ba gagamatse gore mo isagong botshelo jwa bone e bo e le jo bo eletsegang. Dikopi tse di abetsweng bathuti di ne di le lesome le bobedi, kopi ya sekole le ya badiri mo sekoleng sa Bogogobo. health 6 Banna ba tshwerwe ka dikgomo tse di belaetsang Motshwarelela mookamela mapodise a District No.5, Senior Superintendent Samuel Kgomo a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng borre bangwe ka dikgomo di le lesome tse go belaelwang e le tsa bogodu. A re e ne ya re ka mafelo a beke, ba amogela pego go tswa kwa go ba matlhabelo a a ikemetseng ba se na go amogela dikgomo tse di tsileng di oletswe ka teraka. A re beng ba matlhabelo ba ne ba lemoga fa dingwe di sa kwadisiwa mo teseletsong go se na dikarabo tse di maleba mme ba itsise mapodise. Senior Superintendent Kgomo a re ba ne ba ragogela kwa matlhabelong ao mme ka boammaruri ba fitlhela dikgomo dingwe di sa bonale mo teseletsong, kgabagare ba lemoga fa le yone teseletso e sa dirwa ka fa molaong. A re ba ne ba tshwara babelaelwa ba le bane mabapi le tiragalo e, ba mo bogompienong ba thusang mapodisi mo ditlhotlhomisong. O boletse fa dikgomo tseo di ne di tswa Sehithwa mo kgaolong ya Ngami. Senior Superintendent Kgomo o supile fa dikgang tsa bogodu jwa leruo di le dintsi mo kgaolo ya gagwe, a re di gakadiwa thata ke go tlhoka go disa ga barui. O boletse fa bontsi jwa dikgomo di gobea naga yotlhe mme seo se neela manweenwee sebaka sa go utswa. Senior Superintedent Kgomo o ikuetse mo baruing go tlhokomela leruo, a re ke gone fela go ka lo haphang mo bogodung. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba ba kgothadiwa go nna podi matseba Molaodi wa Chobe, Mme Sekgabo Makgosa a re ditlamorago tsa kgokgontsho di ngomola pelo ka di ama botlhe. E rile a bua ka Labone kwa segopotsong sa One Billion Rising kwa Kazungula, Mme Makgosa a re kgokgontsho e ama mokgokgontshi, motswa setlhabelo, bana le ba masika tota ka go farologana. O tlhalosa fa mokgokgontshi bogolo jang wa thubetso a latlhegelwa ke tomagano le setshaba ka se mo leba e le phologolo e bile go tswa foo go nna thata gore o ka amogelwa gape ke setshaba le fa a na le maikotlhao e bile a eletsa go tshela le batho. A re yo o thubeditsweng kwa ntleng ga matsadi o nna le maikutlo a a mo gatelelang e bile fa gongwe a nne le dikakanyo tsa go itseela botshelo mme gape fa gongwe a felele a nna le ngwana yo a sa mo rulaganyetsang. Mme Makgosa a re bangwe ba tshelela mo poifong e bile ba felela ba dirisa nnotagi botlhaswa e le go leka go itebatsa matlhotlhapelo a a ba diragaletseng. A re ba masika a mokgokgontshi bone ba lejwa ke setshaba ka kilo ka e nna ekete ga ba a godisa mokgokgontshi sentle. Fa a itebaganya le kgokgontsho ya dititeo, a re yone e babalela bana mo lwapeng. A re bana ba ba golelang mo lwapeng lwa kgokgontsho ga se gantsi ba dira sentle kwa sekoleng. Mme Makgosa a re basimane bone go le gantsi ba felela ba nna bakgokgontshi le bone ka ba godile ba itse gore monna o dirisa dikgoka. A re fa gongwe go nna le kilo fa gare ga ngwana wa mosimane le rraagwe ka jaana ngwana a bona ka fa mmaagwe a sa tshedisiweng sentle ka teng. Molaodi o buile gape kgatlhanong le baratani ba ba nnang mmogo lebaka le leele ba sa nyalane. A re go tsala kgokgontsho e bile go le gantsi manyalo a bone ga a ke a nnela ruri. O rotloeditse baratani go nyalana a bile a re go setse go na le dithulaganyo di tshwana le Re A Nyalana tse ba ka di dirisang go fefosa manyalo a bone. E ne e rile go le pele Kgosi Morgan Makhanga wa Kazungula a supa fa kgokgontsho e ama botlhe e bile le kwa ditirong e le teng. Kgosi Makhanga a re ke boikarabelo jwa botlhe go emisa kgokgontsho ka go tlhomamisa gore bana ba godisiwa sentle. Mogolwane mo ofising ya bong, Mme Onneile Monna fa a tlhalosa ka letsatsi leo o o ne a re kgaolo ya Chobe ke yone fela mo Botswana e e dirang segopotso seo. Segopotso se sa One Billion Rising se tshwarwa ke lefatshe ka bophara kgatlhanong le kgokgontso ya bong. A re e re ntswa lefatshe ka bophara mosadi a le mongwe mo go ba ba sedikadike ba kgokgontshitswe, dipalo di supa fa mo Botswana basadi ba le babedi mo go ba bararo ba kgokgontshitswe. Molomaganyi wa tsa kgokgontsho mo ofising ya mapodisi a Kasane, Constable Kesegofetse Keitumetse o ne re dipalo di supa gore dikgang tsa thubetso di ne tsa gola go tswa mo go tse pedi ka 2017 go ya kwa go tse di lesome le bone ngogola. A re tsa go ntsha matshosetsi a go bolaya di ne tsa oketsega go tswa mo go e nngwe go ya kwa go tse nne mo dingwageng tseo gape. Constable Keitumetse a re tsa go itlhokomolosa taelo ya lekgotla ya go tlhokomela bana di ne tsa oketsega go tswa mo go tse thataro ngwagatlola go ya kwa go tse some ngogola. O bile a kopa ba ba kgokgontshitsweng go emisa go tsholola dikgang ka seo se rotloetsa bakgokgontshi go tswelela ba dira melato.BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Tona o kopa banni go itshekatsheka Tona wa banana, metshameko le ngwao, Rre Tshekedi Khama o kopile banni ba Malatswai go sekaseka ka fa ba tshelang ka teng. O buile jaana fa a buisa phuthego kwa motseng oo bosheng. Mopalamente o ne a ba kopa go leka go itlhamela ditiro ka puso e ka seke e kgone go ba thapa botlhe. O ba kopile go tla ka maano a go itshetsa ntleng le go thapiwa mo Ipelegeng, mme a kopa banana go tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela batsadi. O ne a ba lekodisa gore o tlaa kopa gore maphata otlhe a a thusang banana a neelwe madi gore ba kgone go ba thusa go itlhamela ditiro le go thapa ba bangwe. Mopalamente o ne a ba kopa go tsena mo dikgwebong di tshwana le tsa thuo ya diphologolo tsa naga, le go sekaseka gore ba ka dira eng mo lefelong la Malatswai Trust. A re go rua diphologolo mo lefelong leo go ka ba tlhamela ditiro le go tlhabolola motse. Rre Khama o kopile khansele go rurifatsa gore fa ba dira ditshekatsheko mo kgaolong ba lebelela ditiro tse di botlhokwa mo matshelong a batho. A re o lemogile gore dikole ka bontsi ga di mo diemong tse dintle. Fa a lekodisa mopalamente, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Malatswai, Rre Tumelo Mpateng o ne a kopa gore ba tshelelwe sekontere mo tseleng e e gokaganyang motse wa bone le tsela e tona e e yang Orapa, le gore ba baakanyediwe ntlo e e tshegetsang badira molato mo kgotleng. Rre Mpateng a re ba lebogela go bo ba hiretswe barutabana ba sennela ruri kwa sekoleng se sebotlana. A re seo se tlaa tokafatsa maduo. A re ba lebogela go bo le bone ba neetswe moithaopi wa Peace Corp e le la ntlha mo ditsong. Mongwe wa ba neng ba tsene phuthego eo, Rre Bernard Kenosi o ne a lebogela mogopolo wa go rua diphologolo ka go ka ba thusa go tlhama ditiro le go tlhabolola motse. society 9 Ba Mookane ba kgatlhanong le peo ya kgosi Banni ba motse wa Mookane mo kgaolong-potlana ya Mahalapye ba boletse mo phuthegong e e neng e buisiwa ke Kgosi Silas Keitumetse fa ba le kgatlhanong le go bewa ga ga Mme Borumolano Tshipana mo setilong sa bogosi jwa motse wa bone. Ba re e re ntswa ba supile mo diphuthegong di le mmalwa go balelwa le e ba neng ba e kopanetse le Kgosi Serogola Seretse gore ba kgatlhanong le go bewa ga ga Mme Tshipana mo setilong sa bogosi, ba swabisiwa ke go bona baeteledipele ba motse wa bone ba ba susumetsa kgosi e ba sa e tlhophang. Batho bao, ba ba neng ba akaretsa Rre Boitshwarelo Tau, Rre Senyegang Osia, Rre Ramaijana Mannaesi, Mme Orelebile Thebe le Rre Robert, ba tlhalositse mo phuthegong e mo go yone Kgosi Keitumetse a neng a ba lekodisa ka kgang ya go baakanyetsa moletlo wa go baya kgosi mo setilong semmuso, gore fa ba ka patelediwa kgosi ba tlaa felela ba tsere tshwetso ya go emisa go tsena diphuthego tsa kgotla. Ba ne ba kopa baeteledipele ba motse wa bone go sekaseka go nama ba emisitse go rulaganyetsa moletlo wa go tlhoma kgosi semmuso ka jaana e le morafe ba setse ba isitse ngongorego ya bone kwa go motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato kwa Serowe. E ne e rile go le pele Kgosi Keitumetse a tlhalosetsa morafe fa maikaelelo a phuthego eo e le go lekodisa morafe ka dithulaganyo tsa go baakanyetsa moletlo wa go amogela kgosi semmuso le ntswa a sale a tlhomilwe mo setilong ke kgosi Serogola Seretse ngogola ka Phalane. A re le ntswa morafe o supa dingongorego tsa go tlhoka go rerisiwa, ga ba a tshwanela go itshwara ka tsela e e seng yone ka jaana ba tlaa bo ba le kgatlhanong le molao. Kgosi Gaselemogwe Molefi o tlhalositse mo phuthegong eo gore e le ba lelwapa la bogosi ba ne ba dumalana gore Mme Tshipana a neelwe bogosi jwa Mookane go kaba phatlha ya ga Kgosi Tshipana Tshipana yo e leng motsadi wa gagwe. Kgosi Molefi o rile e le ba lelwapa la bogosi ba kopa morafe go ba inela diatla metsing ka go tlhoka go ba lekodisa ka morero wa go tlhopha kgosi ntswa e le tshwanelo ya bone go dira jalo. ENDS politics 7 BCL e abetse Mosetlha madi Moepo wa BCL o abetse sekolo se segolwane sa Mosetlha mo kgaolong ya Bobonong P10 000. Mogolwane wa maranyane (communications manager) wa moepo wa BCL Rre James Molosankwe o ne wa aba seo ka mafelo a beke mo kgaolong ya Bobonong, a supa fa gole maleba go abela sekole seo madi ao sena le kgwetlho ya tlhaelo ya didirisiwa. O boletse fa tlhaelo ya didirisiwa mo dikolo e bakwa ke letlhoko la madi,o ne a rotloetsa dikhamphane go thusana le puso ka e le esi ga ekake ya kgona ka ba monakong ya godirisa maranyana a segompieno, mme se se botlhokwa ke gore bana ba bo baithutile mo dikolong pele baya gobereka bana le kitso ya godirisa maranyane. O tlhalositse fa mo kgweding tse pedi tse difitileng moepo wa BCL e ne ya abela sekolo se se botlana sa motse wa Lepokole ditilo dile masome a mane le botlhano(45) ka seemo bana ba sekolo seo sene sengomolapelo, ka bana bane kwala bantse fatshe go sena ditilo kwa sekolo. A re setlhogo sare loeto goitsetsepela ka tshwaragano e e nonofileng gofitlhelela maduo a mantle mo dithutong. O ne a supa fa se se botlhokwa ke go aga ban aka kgwele ya dinao,e ka isa lefatshe leno kwa makalenkaleng ele ka kgole ya dinao le tse dingwe. E ne yare a bua ka ditso tsa moepo wa BCL o simologile ka ngwaga wa 1959 o tlhamiwa ke kgosi Tshekedi,bane basa batle gore o bidiwe ka leina la ope. A re ka nako e o tlhamiwa o ne o bidiwa RST emetse Rasebolai, Seretse, Tshekedi. Rre Molosankwe a re batsile metlhale ya gore moepo wa BCL o seka wa tswalwa ka matlapa a atswang kwa Mpumalaka kwa South Afrika,a tlatsa ka gore mo bogaufing batlaabo ba bula moepo kwa Lepokole. O ne a rotloetsa bana gotlogela dilo tse dika bagogelang motlhaelong,jaaka lefoko lengwe gotwe bokalachane, le gotsiediwa ke batho ka megala ya lotlheka tse diloitsang go ithutang. Ntlha enngwe o ne a rotloetsa batsadi gosireletsa bana ka go ba aga,a supa fa mobogau tona wa itshireletso molao le tlhokgamo Rre Kgathi o ne abua ka dipalo tsa bana ba batlogelang dikolo a re dingomolapelo. Mogokgo wa sekolo se segolwane sa Mosetlha Mme Zibanani Legwaila a tlhalosa dikgwetlho tse ba kopanang letso ke bana ba banna ba le esi batsadi bale kwa masimo, mo gopateletsa gore ngwana yo mongwe mogo bone a tlhokomele yo mongwe kwa bofelong gonne le kgwetlho ya gore bana baime bakeng la gonna bale nosi. Mme Legwaila o tlhalositse fa gotse goimile bana bale bararo gosimolola ka kgwedi ya Herokgong gotsena Seetobosigo mono ngwaga. O ne a supa bana le dibalamakgolo dile masome a mabedi tse disa berekeng, a tlatsa ka gore thuto ya gompieno e tlhokana le maranyane . A re sekolo seo sena le barutabana bale 54 le badiri bale 22 a tlhalosa fa bana le kgwetlho sekolo se tsweletse ka go gapa maemo a ntlha mo go tsa kgwele ya dinao le tse dingwe. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo tsa sekolo seo Rre Twice Sekgwama a gwetha bana go emisa go ya Dibareng le go kopa ba moepo wa BCL go bathusa ka dibalamakgolo goitepatepanya le thuto ya nako e no. BOKHUTLO society 9 Rakgare o galaleditse Anafiki Tona wa Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao, Rre Tumiso Rakgare o lebogetse moopedi, Mme Anafiki Ditau, go dira pharologanyo mo mererong ya bodiragatsi. Tona o buile se bosheng fa a ne a ile go lekola moopedi oo le go mo isetsa dimpho tsa dijo kwa Pitsane. Rre Rakgare a re Mme Ditau, yo o tumileng ka pina ya O kaile fa go le botlhokwa go itse fa talente ee tshwanang le ya ga Mme Ditau e sa tle gantsi ka jalo e tlhokwa go somarelwa. Tona Rakgare o ne a tlhalosa fa lephata la gagwe le tsweletse ka go dira ka bonatla, go rurifatsa gore talente e a rotloediwa. O ne a kaya fa lephata la gagwe le na le mananeo a go ribolola talente. A re keletso ke go bona Botswana a na le baopedi ba ba dirang dipoelo tse di kgolo ka ditalente tsa bone, selo se a reng se ka ba kgontsha go thusa lefatshe le go tsaya karolo mo go tsa bopelotlhomogi. O ne a fa sekai ka seemo sa ditlhabololo a re fa Botswana a ne a setse a gorogile mo seemong se baopedi ba dirang madi a mantsi, o dumela fa Mme Ditau a ne a ka bo a dirile pharologanyo e tona kwa Pitsane. Tona Rakgare a re puso e eletsa go tlhoma khansele ya bodiragatsi go tlhabolola mohama o. O tlhalositse fa kgang ya khansele ya bodiragatsi e le nngwe ya tse a tlaa di bayang pele palamente kgwedi e e tlang. A re fa palamente e ka letlelela khansele e, e tlaa tlhongwa mme e rurifatse gore bodiragatsi bo rulaganngwa sentle. Tona Rakgare o ne a tlhalosa fa ofisi ya banana e tlaa thusa Mme Ditau ka P7 500 go mo imolola manokonoko a segajaja sa COVID-19. Fa a ntsha la gagwe, Mme Ditau o ne a kaya fa a itumeletse dimpho fela thata mme a kaya gore tiro e lephata la ga tona le e dirang e le sekao se sentle, a tlatsa ka gore puso e tlaa segofala go bo e tsweletse ka go fa bangwe dijo le bonno. A re dimpho di tsile ka nako e e siameng ka kgwedi e, e le ya matsalo a gagwe. arts_culture_entertainment_and_media 0 Batswana ba lesego Batswana ba gakolotswe go lemoga fa ba le sego thata ka jaana puso ya lefatshe leno e eme ka dinao go ba thusa. Se se kailwe ke mookamedi wa tsa temo-thuo mo kgaolong ya borwa botlhaba, Mme Monia Mfolwe kwa phuthegong ya lekgotla la beng ba diterekere la Ramotlokwa Tractor Owners Mme Mfolwe a re balemi ba seka ba lemoga diphoso tsa puso fela, mme ba lemoge le tse dintle tse puso e ba di direlang. A re dikgang tsa madi a temo di a tshwenya ka jaana fa go buiwa ka madi, mongwe le mongwe o nna pelotshetlha mme a gakolola Batswana go ela tlhoko mokgwa wa go rata madi ka jaana o ka ba tsenya ka mosima. A re gape ga gona madi a a tshwanetseng go lopiwa mo baleming pele ba ka lemelwa ka jaana madi otlhe a duelwa ke puso eseng motho yoo lemelwang. A re go tsaya dituelo mo pusong le mo baleming, ke go ja balemi ntsoma mme a gakolola gore fa go na le ba ba dirang jalo ba emise ka a re ba senya ditumalano. O gakolotse beng ba diterekere go di tlhokomela thata le gore ba seka ba lema tshimo epe e e matlapa ka se se ka baka tshenyo mo go tsone mme morago ba tloge ba ngongoregela lemme le puso e ba atswang ka lone. Fa ba tswa la bone ba lekgotla la Ramotlokwa Tractor Owners Ba re ditlhwatlhwa tsa go lema di ko tlase fela thata ka jaana ba tshwanelwa ke go kgaogana madi ao le ba ba ba thapang go lema. Ba kopile ISPAAD go sekaseka le go kgaoganya madi a go lema le a go jwala gore ba kgone go kgaogana madi a sentle. Ba Ramotlokwa Tractor Owners Le fa ntse jalo modulasetilo wa lekgotla le, Rre Omphitlhetse Mhapi o ne a akgola lenaneo la ISPAAD go bo le dirisantse sentle le bone ga mmogo le go dira dituelo tsa bone ka bofefo ngogola. A re go le gantsi dituelo tse di tsaya nako mme mo go ba baya mo mosing wa go tlhoka ditsompelo jaaka leokwane fa ba tshwanelwa ke go lemela ba bangwe. Rre Mhapi o ne a kopa beng ba ditereke go tsenelela bokopano jwa beng ba diterekere jo bo tla tshwarwang kwa Maun, go ya go ntsha matshwenyego a bone. Mongwe wa balemi gape ele mong wa terekere Rre Ditshwele Kereng a kopa ba ISPAAD go tsisa peo ya lebelebele ka a re Batswana ba ne ba supa fa ba e ratile thata ka nako ya tekeletso. A re mmidi ga o ba tswele mosola ka oa sha, mme a re go lema mmidi ke go tshameka ka ditsompelo tsa puso. ENDS politics 7 Lorato konokono mo badumeding - Moswaane Mopalamente wa Francistown Bophirima, Rre Ignitius Moswaane o gwetlhile maloko a Head Mountain of God Apostolic Church in Zion go dira bomolemo ka dinako tsotlhe, a supa fa e le sone se Morena a se tlhokang. Fa a bula semmuso bokapano jwa kereke eo jwa malatsi a paseka kwa Jakalas No.2 bosheng, Rre Moswaane o tlhalositse fa mo go tse tsotlhe, lorato le tshwanetse ya nna seikokotlelo sa bone ka dinako tsotlhe, a re seo se ka thusa gore mang le mang yo o tsenang mo kerekeng ya bone a ipone a amogelesegile, go sa kgatlhalesege gore ke wa sebopego sefe. Rre Moswaane o ne a gatelela botlhokwa jwa gore maloko a nne le tsotlhe tse di eletsegang, e leng lorato, botho, tlotlo le go nna le boikarabelo jo bo tshwanetseng, a tlatsa ka gore ba tshwanetse ba itse fa ba le letswai e bile ba le pheko ya lefatshe. E re ka jaana maloko a kereke e le ditokololo tse di farologaneng tse di agang mmele o le mongwe, Rre Moswaane o ne a ba lemotsha fa go le botlhokwa go tshwaragana ka go emana nokeng le gone go tlodisana melatswana e tletse. O ne a ba kopa gape go tsaya maikarebelo a go kgaratlhela go direla kereke ka nonofo gore e kgone go gola, a tlatsa ka gore ka jaana go le molemo go gopola papolo ya Morena, fela go botlhokwa gore ba nne ba kopana gangwe le gape go abelana megopolo mabapi le tse di ka godisang kereke. Rre Moswaane a re go a itumedisa gore kereke ya Head Mountain of God Apostolic e na le dingwaga tse 79 e ntse e thailwe, mme ebile e ise e ko e tshabelelwe ke dihawa tsa go thubega, tse gantsi di itemogelwang mo dikerekeng tse dingwe. Mopalamente a re bagolwane ba kereke eo, ba tshwanetse ba galalediwa ka go bo ba tshwere kereke ka matsetseleko, a re tsholofelo ke go bona e tswelela fela jalo e ntse e itsetsepetse ka motheo wa yone. Rre Moswaane o ne a gakolola maloko go nna kelelelo fa ba dirisa maranyane a tshwana a Facebook, a re mo tirisong ya one, ba tshwanelwa ke go ikgapha gotlhelele mo go amanngweng le mafoko a a segang tsebe. Mokwaledi mogolo wa kereke eo, Rre Tendani Manyiwa o ne a kaya fa ba tlotla ebile ba tseela letsatsi la papolo ya Morena kwa godimo fela thata, ka e le lone le le supang ka fa a neng a swela batho ka teng. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Sehunou e tla tokafalediwa ditlamelo tsa botsogo Banni ba Sehunou mo kgaolong ya Serowe Borwa ba solofeditswe go tokafaletswa ditlamelo ke ba lephata la botsogo. Mafoko a, a builwe ke mogolwane wa tsa botsogo kwa sepateleng sa Sekgoma mo Serowe Mme Sally Ngwako kwa thuto seka dipuisano ya botsogo pitso kwa motseng oo ka Labone. Mme Ngwako, o tlhalositse fa go na le tlhaelo e ntsi ya ditlamelo segolo bogolo jang ka go sena kokelwana mo motseng, mme ba latela ditlamelo kwa motseng wa Motshegaletau.Mme Ngwako o ne a kopa banni go sekegela seemo se, ka le puso e itemogetse mathata, a tlhalosa fa molwetsi a sa tshwanela go tsamaya sekgele sa dikhilomithara di feta botlhano go ka bona thuso ya bongaka. A re le fa go ntse jalo bone ba tsamaya sekele sa dikhilomithara dile tharo le sephatlo fela.Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa lekalana la balwetsi ba tlhaloganyo Mme Malebogo Motsokono o kopile banni go rata le go tlhokomela ba- na- le bogole ka le bone ele batho fela jaaka ba bangwe.Fa a bua ka dikgang tsa tiroso y anno tagi, Mme Motsokono o rotloeditswe banni go emisa go kopanya majalwa le kalafi ka eka ba dira gore ba nne bokoa le gofeta. A re go diphatsa fela thata go kopanya kalafi le nno tagi bogolo jang a itebagantse le balwetsi b aba tsayang diritibatsi tsa bolwetsi jwa HIV/AIDS le kgotlholo e tona.Fa a itebaganya le bolwetsi jwa kgotlholo e tona, Mme Baitsekgabo Majelantle o kaile fa dipatlisiso di supa fa motse wa Sehunou o amilwe thata ke bolwetsi jwa kgotlholo e tona. Ka jalo, Mme Majelantle o ne a kgotlhatsa banni go tlogela go emisa tsaya kalafi ba ise ba rebolelwe ke ba bongaka, a tlatsa ka gore kalafi ya kgotlholo e tona e tsaya sebaka sa dikgwedi tse thataro go ya ko ngwageng. O ne a gakolola banni go itekodisa fa ba bona dikai tse di sa lwaelesegang mo mebeleng ya bone, a re se se ka dira gore ba kgone go bona kalafi e e tlhokafalang nako e santse ele teng.O ne a ba tlhagisa gape gore go nale lenaneo le ka lone molwetsi yo o gateletsweng a kgonang go tseelwa dipilisi ke mongwe wa losika go itsa go sokodisa molwetsi. health 6 Mpepumpepu e a ipelegisiwa  E re ka gotwe mpepumpepu e a ipelegisiwa, Mme Tefo Pilane, wa kgotla ya Tidimalo kwa Mahalapye o eme ka dinao go itshetsa ka neo ya gagwe ya go loga le go ntlafatsa moriri. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Pilane, yo o dingwaga tse di masome mane le bone, o tlhalositse fa lorato lwa gagwe lwa go loga lo simolotse a santse tsena sekole se sebotlana sa St Patrick’s mme lwa gola le ene. O kaile gore morago ga go tsaya dingwaga a tsamaya a loga batho, o ne a ikopela go thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma go bula lefelo la go ntlafatsa moriri mme a thusiwa ka 2012. Pele ga a thusiwa, o ne a isiwa sekoleng kwa Francistown College of Technical and Vocational Education kwa a neng a rutwa botsipa jwa go ntlafatsa moriri lobaka lwa dikgwedi di le tharo. Morago ga go fetsa dithuto o ne a simolola kgwebo ya gagwe kwa lwapeng ka Morule wa 2012 mme moragonyana a ya go hirisa lefelo la go ntlafatsa moriri. Mme Pilane o boletse fa kgwebo e tsamaya sentle le fa nako tse dingwe e kgona go ya tlase. Go itepatepanya le kwelotlase ya kgwebo, o boletse fa a fokotsa ditlhwatlhwa kgwedi e fela go oka bareki. O tlhalositse fa a isitse ngwana wa gagwe sekoleng sa Realic Educational Services kwa Palapye, a mo hiriseditse ntlo a bo a mo rekela dijo. A re gape o kgonne go thusa ngwana wa gagwe yo mongwe gore a kgone go ya mmadikole ka dipoelo tse a di dirang. Mme Pilane a re Modimo o mo file dimpho tse dintsi di akaretsa go bopa dinkgo. economy_business_and_finance 3 Makhanselara a thusa mogodi ka dilwana Khansele-potlana ya Molepolole/Lentsweletau e abetse Rre Masobane Motsamai diaparo, dikobo le, didirisiwa tsa mo tlung.Badiri ba ne gape ba phepafatsa bonno jwa ga Rre Motsamai, yo e leng mongwe wa bagodi kwa Lentsweletau. Thomo eo e e neng e eteletswepele ke mokhanselara wa kgaolwana ya Bonewamang kwa Molepolole, Mme Babantle Mmatli go kailwe e atlilwe ka mowa wa popagano wa go aba ga makhanselara a Molepolole/Lentsweletau ka maikaelelo a go eletsa go dira pharologanyo mo botshelong jwa ga Rre Motsamai. Modulasetilo wa khansele potlana, Rre Botokanayana Motoroko a re maikaelelo magolo a tiro eo ga se fela go aba gore e re maina a bidiwa le la bone le nne teng, mme ke go eletsa go bona mogodi yoo, yo o nnang a le nosi le ntswa a na le bana ba le batlhano a na le monyenyo ka go lemoga fa go na le ba ba kgathalanag ka seemo sa botshelo jwa gagwe. O tsweletse a supa fa thuso ya ga Rre Motsamai e itebagantse le go mo fa seriti ka bonno jo bo phepa le diaparo tse di ka mo fang tshireletsego go thibela go tsenwa ke makowa a a tlisiwang ke paka ya mariga. Rre Motoroko a re ba ne ba thusa Rre Motsamai morago ga go wetsa tiro ya beke ya dipuisanyo tsa khansele-potlana ya Molepolole/Lentsweletau tse di neng di tshwaretswe kwa Lentsweletau. A re ba tsere tshwetso ya go tlhomamisa gore fa go tlhokegang teng ba tlaa tshwarela dipuisanyo tsa khansele-potlana mo metseng e e akarediwang ke khansele eo ka maikaelelo a go isa khansele kwa setshabeng se e se direlang. Mo mafokong a go leboga le go rotloetsa thulaganyo ya makhanselara ao, mothusa molaodi wa kgaolo ya Kweneng, Mme Boingotlo Ngaka, o ne a supa fa mowa wa go abelana o aga setshaba le go supa popagano ka go utlwelana botlhoko. Mothusa molaodi Mme Ngaka o ne a akgolela baeteledipele ba sepolotiki go ngangatlela popagano ya setshaba e e sa ba agololeng ka ntlha ya dipharologanyo tsa bone tsa sepolotiki.Mothusa kgosi wa Lentsweletau, Rre Jack Motswakhumo o lebogetse tiro ya makhanselara a re go supa go kgathalela dikgang tse di amang tlhabololo ya matshelo a batlhophi, a supa fa go neela seriti yo o abelwang le go segofatsa yo o abang. society 9 Omang o botlhokwa - Kedikilwe Mothusa Tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe a re ditirelo tsa Omang di tlhoka go tlhabololwa gore Omang a tswe mo nakong e e beilweng. O ne a araba ngongorego ya batho ba motse wa Diloro ka ga ditirelo tse di bonya tsa ofisi ya omang kwa Palapye mo phuthegong ya kgotla ka Laboraro. Dr Kedikilwe o boletse gore Omang o botlhokwa fela thata mo botshelong jwa Motswana ka jalo a ntsha taelo ya gore molaodi le lekoko la gagwe go tla ka tharabololo ya bothata jwa Omang yo o diegang go dirwa. O boletse gore e le modulasetilo wa khansele ya tlhabololo ya magae, ga a batle batho ba sokola jaaka e kete ga go na khansele ya go nna jalo. O tlhalosiste fa maikaelelo a khansele e le go tsisa ditlhabololo gaufi le batho gore ba seka ba di lata bokgakaleng. A re ditlamelo di tshwanetse go ya kwa bathong ka nako mme go ka kgonagala fa maphata otlhe a puso a goga mmogo. A re khansele ya tlhabololo ya magae e batla go bona batho ba itirela, a re morafe o tshwanetse go sekaseka gore o ka dira eng mme o thusiwe go dira se o se eletsang e seng go direlwa jaaka nama. Rre Kedikilwe o ne a rotloetsa batho go sa ikaega ka lenaneo la Ipelegeng le a reng ke la nakwana la go ogola batho mo isong. O boletse gore lenaneo la ISPAAD le lone le tshwanetse go tlhoafalelwa ka gore puso e ikaelela go ntsha dijo tse di lekanang lefatshe leno e seng go ikaega ka tse di tswang mafatsheng a mangwe. A re dijo tse di tswang mo masimo e tshwanetse go nna tsone di jewang ke bana kwa dikoleng, dikokelo le balwetse ba ba tlhokomelwang mo malwapeng. O tlhalosistse fa khansele ya gagwe e rotloetsa gape tshomarelo ya dikitso di tshwana le melemo ya Setswana, thobega ga mmogo le dipina le maboko a Setswana, a re dilo tse ke boswa jwa lefatshe leno. Mo go tse dingwe, Dr Kedikilwe yo e bileng e le mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare o boletse fa dikgotla tsa metse ya Kgagodi le Mogapinyana di tlhatlositswe go nna dikgotla tse di kwalang ditsheko, a tlhalosa fa puso e tlaa nna e tlhatlosa tse dingwe jaaka ya Diloro mo nakong e e tlang. Fa a tswa la gagwe, monni wa Diloro, Mme Keneilwe Kedikilwe o boletse fa ditirelo tsa ofisi ya Omang di le bonya fela thata mo go tsayang dikgwedi tse di ntsi gore Omang a tswe.O boletse gore ditlankana tsa matsalo a bana le tsone di diega bobe. Mogolwane wa ofisi ya Omang, Mme Seselo Masotja o ne a kaya fa ba ofisi ya omang ba dira bojotlhe go tsisa ditlamelo gaufi le batho ba Diloro. A re ba ya kwa Diloro gangwe le gape go isa dikarata tsa Omang mme di sa tsewe. Le fa go ntse jalo a re ofisi ya gagwe e na le kgwetlho ya tsa maranyane e e diyang go thusa batho, a re fa tsotlhe di apere tshiamo ba dira bojotlhe go thusa batho. BOKHUTLO society 9 Lephata la temo-thuo le rola terata E rile bosheng, lephata la temo-thuo la tokafatso dijo la rola semmuso terata ya masimo a Phuduhudu e e sekgala sa dikhilomethara di le 32 mme e agilwe ka P3 million. Mothusa mookamedi wa lephata la dijwalo, Mme Chada Mooketsi a re seo se ya go rurifatsa gore ba ntsha dijo tse di itumedisang mo masimong, ka terata eo e efa balemi sebaka sa go lema ka tshosologo, ba sa jelwe ke diruiwa. Mme Mooketsi o ne a lebogela tirisanyo mmogo ya balemi ba kgaolo, a re e dirile gore ba kgone go agelela masimo. A re masimo ao otlhe a dira ditema di ka tshwara 5 600, mme go ntse go lengwa fela di le 3 600, a tlatsa ka go re se se supa fa balemi ba Phuduhudu ba lema ba tlhoafetse. A re terata eo e ageletse masimo a balemi ba le 33, mme o dumela gore fa ba ka tshwaraganela temo ya bone, kgaolo eo e ka ntsha dijo tse di ka jesang Botswana. Mme Mooketsi o ne a kopa balemi go tswelela ba dirisana le balemisi gore ba tokafatse temo, a bo a ba gakolola go ela tlhoko seemo sa phetogo ya loapi gore ba leme dijalo tse di tsamaelanang le diphetogo tseo. Mogakolodi wa lenaneo la ISPAAD, Rre Kwenantle Gaseitsiwe a re puso e dira gotlhe go tokafatsa thobo, e le tsela ya go rurifatsa gore lefatshe la Botswana le nna le dijo tse di lekaneng. A re puso e setse e abile diterata tse 33, mme bothata ke gore balemi ga ba dirise ditema tsotlhe tse ba di ageletseng. Rre Gaseitsiwe a re fa balemi ba ne ba ka tlhoafalela temo, go ne go ka nna le thobo e e nametsang mme seo sa fokotsa theko ya dijo kwa mafatsheng a mangwe. A re go setse go dirisitswe madi a a ka tshwarang P42 million go teratelela masimo a Batswana, mme ba tsweletse ka go amogela dikopo go tswa dikgaolong ka bontsi. A re go a tshwenya gore le fa balemi ba ageletse masimo, go santse go na le sekgwa mo go one. Rre Gaseitsiwe a re puso e batla go tsenya letsogo go thusa go oketsa thobo ka lenaneo la ISPAAD, a tlatsa ka go re temo e tshwanetse go nna kgwebo e e busetsang. O ne gape a kopa ba ba sa diriseng masimo go a hirisa kana go a adima ba ba nang le keletso ya go lema, bogolo jang ka go na le tlhaelo ya mmidi, mabele le dijo tsa leruo. Modulasetilo wa komiti ya kagelelo ya masimo, Rre Michael Gaorutwe a re ba ne ba ipopa, ba nna mowa o le mongwe gore ba agelele masimo. Rre Gaorutwe a re e ne e se tiro e e motlhofo, ba lebogela gore kwa pheletsong ba kgonne go agelela masimo, a re mme seo se tlaa ba thusa go tsena mo temong ka mashetla. A re le fa go ntse jalo, ba santse ba na le letlhoko la motlakase, tsela, sediba le ditlhaeletsanyo gore ba kgone go tsena mo temong ba tlhoafetse. O lebogile botlhe ba ba nnileng le seabe mo go rurifatseng gore terata eo e felela e dirilwe. E rile go le pele, mogokaganya ditiro tsa temo-thuo mo kgaolong ya Kweneng, Rre Edward Telekelo a re puso e tswa kgakala e ntse e eme balemi nokeng ka go ba teratelela le go ba fa dithuso tsotlhe tse ba di tlhokang. A re ka jalo fa dinako di ntse di fetoga, puso le yone e tla ka mananeo a a ka thusang go tokafatsa le go thusa go dira thobo e e nametsang. Rre Telekelo a re nako e e fetileng balemi ba ne ba teratelewla masimo ka bongwe ka bongwe mme ya re morago ga ditshekatsheko, puso ya tla ka lenaneo la go soboka masimo, maikaelelo e le go oketsa thobo le go sireletsa masimo mo dijing. Mongwe wa bagwebi ba masimo ao, Rre Mokwapa Ramosu a re ba lebogela go agelelwa ga masimo mme ba tlaa lema ka tlhoafalo. economy_business_and_finance 3 Dikomiti tsa VDC di kopiwa go emela metse ka dinao Dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ya kgaolo ya Mahalapye botlhaba di kopilwe go dira ka natla mo metseng ya bone ka go farologana. Se se builwe ke mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso jaaka a ne a buisa diphuthego tsa dikomiti tse di farologaneng mo metseng ya kgaolo ya gagwe. Mme Tshireletso o tlhalositse fa komiti ya ditlhabololo tsa motse e le yone mmamangmang mo motseng e bile e le yone e tshwanetse go tshwara thipa ka fa bogaleng go bona gore tsotlhe di tsamaya ka thelelo mo motseng wa bone. O ne a re tiro e tona ya ba VDC ke go bona gore motse wa bone o nna le ditlhabologo tse di maleba, a re ka moo ba ikopanye le bodirelapuso ka go farologana go tsaya botsipa jwa go ka tlhabolola metse ya bone. A re go emela gore mongwe wa matona a puso a tsenye phuthego ga se gone tiro fela mme ba itlhaopetse go nna matlho a morafe ka kakaretso. O ne a re e re ka jaaka kgotlana nngwe le nngwe e na le leloko la VDC, mokomiti o tshwanetse a itse lapa le lapa gore go diragalaeng mme e bile a ka fa dikgakololo kgotsa a ba kopanya le ba dithuso ba ba maleba. O ne a re mo malwapeng mangwe go batlhoki, bana le bogole, bagodi mme ba sa bone ditshwanelo tsa bone tse di maleba sentle, mme a re ka moo ke gone fa ba tshwanetseng go tlhagelela thata teng, go nna maoto le melomo ya bone. Ka jalo Mme Tshireletso o ne a ba tlhalosetsa fa ba tshwanetse go ikitlaya ka thupana, a bo a kopa gore ba shafatse megopolo ya bone mme ba tswe ka metlhala mengwe go dira se sepharologanyo pele fa nako ya bone e wela. A re ba ka shafatsa megopolo ka go inaakanya le bodirelapuso jo bo farologaneng go tsaya megopolo mo go bone mme ba tlhabolole matshelo a ba metse ya bone.O ne a rotloetsa gore ba nne le moono o ba o setseng morago gore ba tsweledise tebelopele ya bone ka manontlhotlho tiro ya motse wa bone. Mme Tshireletso o ne a rotloetsa mowa wa boipelego a tlhalosa fa go ikaega thata ka puso e se maleba, a tlatsa ka gore puso ka bo esi ga e kake ya kgona go kopantsha matlhoki otlhe a bone. Le fa go ntse jalo Mme Tshireletso o ne a akgolela ba komiti ya VDC go thusa go tlhapa badiri ba lenaneo la Ipelegeng a tlatsa ka gore gone moo fela go supa e le batho ba tlhwatlhwa. Fa a itibaganya le ba komiti ya botsadi le barutabana o ne kopa botsadi go ema ka dinao go bona gore a bana ba dira tiro ya sekolo a re bana ga se ba barutabana. Dikomiti di ne tsa lebogela mopalamente wa bone go ba lekola ba le bosi ba re ka moo ba nnile le nako e kgethegileng ya go ithuna dinta. Bokhutlo politics 7 Bomme ba eme ka dinao Bomme kwa Tutume ba eme ka dinao go itirela. Mme Chinungu Khunou, yo o dingwaga di masome a mararo le boferabongwe le Mme Annah Moseki yo o dingwaga di masome a mane le boferabobedi ba kaile gore mosadi o na le dithata tse di tshwanang fela le tsa borre. Bomme ba ba sa leng ba felela fela ka dithuto tsa bone tse di potlana ba re botshelo ga bo motlhofo ka dinako tsotlhe. Fa ba bua mo potsolotsong, ba ne ba bolela gore ba tsere boitseanape mo go ba bangwe ka Setswana se re dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe. Ba tlhalositse gore ba sa le ba simolotse go bereka mmogo ka ngwaga wa 1992 morago ga go bereka ba thusa baagi kwa Tutume Brigade, ba dira ditena tse di diriswang ke baithuti ba tiro ya diatla. Ba re morago ga go lemoga dikgwetlho tsa botshelo fa tiro e fedile, ba ne ba nna fatshe ba tswa ka leano la go itshetsa mme ba bona gore diatla tsa bone ke tsone di ka ba direlang.Mme Khunou a re ka tiro e ya gagwe o kgona go godisa bana ba gagwe a tswala phatlha e leuba le lekang go e dira mme a re lemmenyana le a le bonang le tsenya bana sekole. Mme Moseki a re bomme ke ka sewelo ba iphitlhela ba dira ditiro tse di bokete jaaka tsa go duba taka ba bo ba bopa ditena. A re mme tiro ya bone o e ratela gore e bogadi bo gaufi gape e na le barotloetsi ba le bantsi mme a re ba dira ka bopelokgale le bonatla jwa bone botlhe.A re ka letsatsi, ba dira dikgetsi tsa semente di le boferabobedi mme o ne a bua ka boitumelo a re bomme ba ititeye sehuba go tiisa itsholelo ya lefatshe leno. society 9 Kwa Ukhwi ba lela ka bogodu jwa leruo Banni ba motse wa Ukhwi mo kgaolong-potlana ya Hukuntsi ba lela ka bogodu jwa leruo jo bo ba apesitseng kobo ka letshoba. Se se builwe ke Kgosi Gkasekometsa Ping fa a amogela mothusa tona wa tlhokomelo lefatshe, metsi le kgopho leswe e bile e le mopalamente wa kgaolo, Rre Itumeleng Moipisi mo phuthegong ya balemi-barui bosheng. Kgosi Ping a re dikgomo tsa bone di utswiwa ke banana ba motse mme se se utlwisa botlhoko ka e le bone baeteledipele ba kamoso. Kgosi o tlhalosa fa mapodisi ba ba thusa mme go sa lekana ka jaana ba tlhoka ditsompelo di tshwana le koloi gore ba kgone ba tsibogele diemo tsa borukutlhi ka bofefo. A re sengwe se se bakang bogodu jwa leruo ke letlhoko la metsi ka diruiwa di tsamaela kgakala go batla metsi mme di felele di timela. Le fa go ntse jalo, kgosi a re o tshwenngwa ke barui ba ba sa tshwaeng leruo. Mongwe wa banni ba motse, Rre Tlhokomelo Mhaladi o tlhalositse fa go tlhoka mafudiso e le nngwe kgwetlho e ba nang le yone ka jaana ba le mo kgaolong ya bojanala. Rre Mhaladi a re diruiwa tsa bone di jewa ke dibatana di le mo patlong ya phulo mme fa ba ikuela go tsee lobaka gore matshwenyego a bone a arajwe. E rile fa a ba kgwa dikgaba, Rre Moipisi o tlhalositse fa maikaelelo a gagwe e le go ba batlela metsi, a kaya fa metsi a le botlhokwa mo matshelong a batho le diruiwa. A re go ngomola pelo go utlwa fa bogodu jwa leruo bo le kwa godimo e bile bo dirwa ke banana. O bile a ba solofetsa fa a tlaa tsaya matshwenyego a bone mofago go a isa kwa maphateng a a lebaneng. BOPA crime_law_and_justice 1 Kokelo e abetse Mme Ompatile ntlo Badiri ba kokelwana ya Gojwane kwa kgaolong ya Serowe Bokone ba abetse Mme Keagakwa Ompatile ntlo ya kamore e nngwefela le ntlwana ya boitiketso morago ga go bona seemo se a neng a tshelela mo go sone. Kgosi Oagile Ketlhaetse wa Gojwane o supile fa se se dirilweng ke ba kokelwana eo e tshwanetse go nna thuto mo morafeng wa Gojwane gore e tle e re mo nakong e e tlang, mongwe wa bone a tsenye letsogo go fetola botshelo jwa mongwe yo o tlhokang thuso mo motseng wa bone. E rile a tlhalosa maikaelelo a bone le ka fa ba kgonneng ka teng go re ba bo ba agile ntlo, mmelegisi wa kokelwanana ya Gojwana, Mme Pretty Maruatona a re go ne go se motlhofo go kokoanya madi a a neng a ka simolodisa kago ya ntlo. A re ba ne ba kgona go kokoanya madi ka go dira metshameko e tshwana le ya mabelo, mmabontle, kgwele ya dinao ya bomme le motshameko wa lenyalo o e leng one o o neng wa ba tsenyetsa letseno le le botoka. Mme Maruatona a re tshwaragano ya bone le mmaboipelego, badiri ba kokelo ya Serule, magosi, mokhanselara, mopalamente, komiti ya ditlhabololo le ba bangwe e ba kgontshitseng go agela Mme Ompatile bonno jwa sennela ruri. Mme Maruatona a re bangwe ba ne ba thusa ka didirisiwa go fitlhelela kago e fela, a supa fa bangwe ba bone ba ne ba reka bolao le dikobo. E rile a tswa la gagwe, molalediwa wa letsatsi e bile e le mogolwane wa thuto go tswa Tonota, Rre Kebabonye Ramothwa a supa fa badiri ba kokelwana ya Gojwane ba setse morago toro ya Tebelopele ya 2036 ya go tlhabolola motho le go mo neela seriti. Rre Ramothwa a re lephata la boipelego ke lone le rweleng boikarabelo jwa go bona gore setshaba ga se tshelele mo diemong tse di ka felelang di tsenya matshelo a bone mo diphatseng. Rre Ramothwa o ne a supa fa go se bonolo gore motho a dire tiro ntle le dituelo, a re borre ba ba neng ba agela Mme Ompatile ba tshwanetse go lebogwa ka ba supile lorato le bopelotlhomogi. Mme Ompatile yo o dingwaga di 77 e bile e le mo-tlhoka pono, o lebogile ba kokelwana ya Gojwane go bo ba lemogile letlhoko la gagwe. A re se se mo neela seriti se se tlhokwang ke mongwe le mongwe. health 6 Kgosi Mphoeng o tshwentswe ke dipolao Kgosi Maureen Mphoeng wa Mmadinare kwa kgaolong ya Legare o kopile banni ba motse oo go thusa go tshwara dilalome tse di bakileng dintsho tsa bomme ba babedi. Mo potsolosong, Kgosi Mphoeng o tlhalositse fa bomme ba ba dingwaga tse di masome a ferabobedi le boraro le wa tse di masome a ferabobedi le bone ba ne ba robetse mmogo mo ntlong, mme dilalome di ne tsa ba tlhasela mo di feletseng di ba gapela matshelo. A re mapodisi ga a ise a tshware dilalome tseo, mme a kopa morafe go thusa. O supile fa go setse go nnile le ditiragalo tsa polao ya batho di le tlhano fa gare ga kgwedi ya Ngwanatsele, 2018 le Hirikgong mono ngwaga. Kgosi Mphoeng a re go belaesega fa dipolaano tse dingwe tse pedi e ne e le tsa marato ka borre ba ne ba bolaya bakapelo ba bone, mme mongwe wa bone a ikgapela botshelo fa yo mongwe a le mo atleng tsa mapodisi. Kgosi o ne a supa matshwenyego ka ditirafalo tsa go tlhoka tsebe ga banana ba motse wa gagwe. A re go thubiwa ga matlo go ile magoletsa, a supa fa se se rotloediwa ke go tlhoka dipone tsa mo mokgwatlheng. A re se se tshwenyang ke gore ba dira-melato ba a tshwarwa, mme morago ga malatsi ba bonwe ba tlhakatlhakane le batho, a supa fa se se sa siamela ba masika a ba ba amegileng. Mo go tse dingwe, o ne a supa fa kgaolo ya gagwe e tlhasetswe ke ditlou, mo di setseng di utlwalelwa kwa mafelong a di sa tlwaelesegang go tsamaela kwa go o ne jaaka meraka ya Moshakabela le Semotswane. A re se se tsenya letshogo ka di baka tshenyo. Mokwaledi kwa ofising ya mopalamente wa Mmadinare, Rre Moseki Moseki, o ne a sedimosa fa ditlhabololo di le teng le fa di tla ka go rotha. Rre Moseki a re bontsi ja ditlhabololo ke tse di dirwang ka madi a ditlhabololo tsa dikgaolo. O ne a tlhalosa fa di tsweletse e bile dingwe tsa tsone di setse di fedile jaaka dipone tsa mo mokgwatlheng le matlo a mapodisi a ba setseng ba a neetswe go a dirisa a le matlhano a komiti ya ditlhabololo tsa motse. O supile fa motlobo wa dibuka o le mo legatong la bofelo. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Kagiso e tshwanetse go simolola kwa malwapeng Mogolwane wa setlhopha sa kgwele ya dinao sa Orapa United, Rre Onkemetse Powe, a re kagiso e tshwanetse go simolola kwa lwapeng. O buile se mo mogwatong wa go fetsa malatsi a lesome le borataro a go lwantsha kgokgontsho ya bong, o o neng o tshwerwe kwa Letlhakane bosheng. A re kgokgontsho ya bong e ntsi mo malwapeng, mme gantsi e bakwa ke borre. Ka jalo, Rre Powe o ne a kopa borre go tsaya kgato le go iphapha mo go amegeng mo dikgang tsa kgokgontsho, a kaya fa go dira jaana go ba diga seriti. O ne gape a gakolola borre go iphapha mo go batleng marato mo baneng ba dikolo. Rre Powe o ne a kaya fa tiriso phetelela ya dinotagi le yone e na le seabe se setona mo kgokgontshong. A re ene le sethopha sa gagwe ga ba na go ipona tsapa go lwantsha kgokgontsho ya bong go fitlhelela e fokotsega kana e fela. Kgosi Baruntshi Kegapetswe wa Letlhakane le ene o ne a tsaya karolo mo mogwantong mme a supa fa banna ba malatsi a ba rekela bomme dimpho ka tsholofelo ya go fiwa sengwe, mme se se felele se baka dipetelelo kgotsa dititeo. A re letsatsi le le botlhokwa ka jaana le ruta setshaba ka dikgang tse di amanang le kgokgontsho ya bong. Mo mafokong a kgothatso, Kgosi Rre Gowinnemang Matlhare wa Mopipi o ne a kopa banana go emisa mokgwa wa go nna mmogo mo matlong ba sa ba nyalana, a re seemo se le sone se na le seabe se setona mo kgokgontshong ya bomme. Kgosi Matlhare o ne gape a rotloetsa bana ba basetsana go iperekela, gore ba emise go kopa sengwe le sengwe mo go borre, a re se se dira gore ba ba kgokgontshe ba lebile gore ba beile mo go bone. O ne a ba rotloetsa gape go begela mapodisi kgokgontsho epe fela e diragalang ka gore fa e sa begiwe e ka senya dilo tse dintsi. Kgosi Matlhare o ne a kopa banana go tsaya dikgakololo mo bagolong ka dikgang tse di ba tshwenyang kwa malwapeng a bone. Mogolwane wa mapodisi, Senior Superintendent Sarah Gabathusi, o boletse fa ba sa bolo go simolola leeto, ebile ba kgonne go tsamaya le dikereke tsotlhe tsa Letlhakane ba bua ka dikgang tsa kgokgontsho. Mme Gabathusi o tlhalositse fa mo leetong la bone ba ne ba tshwara dikgaisano tsa ditlhopha tsa bomme e le go leka go oka bomme go tla ka dipalo tse dintsi mo dipuisanong tsa kgokgontsho. O supile fa ba sa itumedisiwe ke dipalo tse di boutsana tsa batho ba ba tsayang karolo mo dipuisanong tse tsa twantsho kgokgontsho. A re le fa borre ba supiwa ka monwana, bangwe ba bone ba a kgokgontshiwa, ka jalo a ba kopa gore le bone ba ikuele fa bomme ba ba kgokgontsha. crime_law_and_justice 1 Go itse ditso tsa metse go botlhokwa Molaodi wa Ghanzi, Rre Loeto Porati o boleletse Morafe wa D’kar gore go botlhokwa go itse ditso tsa motse wa bone go tila dikgang tse dintsi fa go tsenwa mo mererong ya tsa bogosi. Molaodi Porati o ntshitse mafoko ao fa a ne a tshwere phuthego ya kgotla kwa D’kar go utlwa gore morafe ba batla mang a nna kgosana ya bone. Molaodi a re morafe ke one o tshwanetseng go tswa ka leina la motho yo ba mmatlang gore a nne kgosana ya bone ka jaana e le bone ba ba itseng ditso tsa motse wa bone gore yo o thibeletseng pele ene ke mang. Rre Porati a re go botlhokwa gore bagolo ba motse ba itse le gore yo o o neng a ba thusa go rarabolola mathata a bone e ne e le mang ka seo se ka ba thusa go ntsha leina la kgosana go sena mathata le dikgogakgogano. Molaodi o ne gape a gakolola morafe oo gore ga go a tshwanela go nna le ditlhopho fa ba tsena mo bogosing ka go bo se se raya gore ba tlaa nna ba tshwara ditlhopho fa kgosana a tlogela tiro ka bogodi kana a tlhokafala go ya go ileng. Rre Porati o kopile morafe oo go sala ba ikakanya sentle gore ba bone gore ba ka baya mang yo o tshwanetsweng ke bogosi joo go na le gore bo tlhophelwe. E rile Rre Lofa Bensoso yo e leng mongwe wa baagi a akgela a supa fa bogosi jwa motse wa bone bo tshwanetse go neelwa morafe wa Banaro ka e le bone ba ntlha go thibelela mo motseng oo jaaka ditso di supa jalo. Rre Aron Johannes ene a re ba kopanetse ruri mme ga go nko e tswang leming ka mongwe le mongwe o batla bogosi jaanong a kopa gore go nne le ditlhopo. E rile molaodi a raba dikgakgelo tsa bone a ba bolelela fa go ya go nna thata gore ba tswe ka leina la motho a le mongwe, ka jalo ba tsile go tswara ditlhopho tsa bogosi. Se se tla morago ga go tlhokafala ga ga Kgosana April Montshosi ka Motsheganong. BOKHUTLO politics 7 Metsi a dirisitsweng a tla dirisiwa gape Mookamedi wa lephata la metsi kwa Gaborone, Rre Obakeng Obakeng, a re ere ka lefatshe leno le lebanwe ke kgwetlho ya go tlhaelelwa ke metsi ke sone se lephata la gagwe le sekasekang mogopolo wa go tlhatswa metsi a dirisitsweng gore a kgone go dirisiwa gape mo ditirong tsa setshaba. Rre Obakeng o buile mafoko a mo thutopuisanong e neng e tshwaretswe kwa Mahalapye Cresta Hotel maabane, e tsenwe ke badiri ba lephata la metsi,maloko a komiti ya ditlhabololo, dikgosi, ditlhogo tsa maphata le bagolwane ba dikompone tse di kopanetseng ditiro le mmuso jaaka ya Water Utilities. O rile ere ka seemo sa metsi se tlhokisa Batswana le mmuso boroko segolo jang kwa Borwa jwa lefatshe leno, ke sone se ba tsweletseng le go epa matamo kwa Bokone jwa lefatshe leno le go sekaseka go diragatsa mogopolo wa go tlhatswa metsi a leswe gore a kgone go dirisiwa mo ditirong tsa temo-thuo jaaka temo ya merogo, maungo le go tlhatswa dikoloi gammogo le go dirisiwa mo ditirong tsa go tlhatswa ditswa mug ditshwana diteemane. A re maikaelelo a dithutopuisano tseo ke go tlhalosetsa setshaba le batsaya karolo ka ditlamelo tse di ka bonwang mo lephatenmg la gagwe le go ba lekodisa ka dikgwetlho tse ba lebaneng natso ditshwana tlhaelo ya metsi e bakiwang ke gona ka boutsana ga dipula le go kgala ga matamo segolo jang la Gaborone. Rre Obakeng o tsweletse ka go tlhalosetsa batsena dithutopuisano tseo gore lephata la gagwe le kgonne go bona metsi a selekanyo sa 750 million cubic metres mo didibeng le mo matamong, mme a bolela fa mo metsing ao 250 million cubic metres ele metsi e dirisiwang gonowa ke batho fa 48% ya metsi ao a dirisiwa mo temong ya merogo le maungo fa a mangwe a dirisiwa mo ditirong tsa meepo ya ditswa mmung. O boleletse batho ba ba neng ba tsene dithutopuisano tseo go balelwa le molaodi wa kgaolo potlana ya Mahalapye Rre Bakuedi Masole, gore lefa setshaba se tsweletse ka go kgala lephata la gagwe le ba koporase ya Water Utilities mabapi le tlhaelo ya metsi, gone ba dirile maiteko a golwantsha seemo seo ka go kopa mafatshe a baagisanyi go dirisa bontlha bongwe jwa metsi a dinoka tsa mafatshe a bone. E rile mothusa mookamela lephata la metsi Mmaetsho Bogadi Mathangwane a bua mo thutopuisanong eo, a kopa Batswana ka kakaretso go somarela tiriso ya metsi le go duelela metsi a ba a dirisitseng ka nako e tshwanetseng. Mme Mathangwane o boletse fa lephata la gagwe le dirisa metsi a mantsi mo mhameng wa temo-thuo ntswa go sena dipoelo tse dikalo kalo. O kgadile asa osheoshe batho ba ba tsayang metlhaba mo dinokeng tsa lefatshe leno ka bokukuntshwane ka a re go dira jalo ke go senya le go bolaya boleng jwa dinoka gore di seka tsa kgona go tshwara motlhaba le go mela dimela tse dingwe tsa tsone di ka nnang tsa bakela batho le diruiwa gammogo le diphologolo tsa naga malwatse. Mo thutopuisanong eo ba komiti ya ditlhabololo gammogo le kgosi Tsoebebe Segotsi le mothusi wa gagwe kgosi Tshipe Tshipe bane ba supa matshwenyego ka metsi a leswe a tswang mo matlwaneng a boitiketso a go bolelwang a tshelwa mo nokeng ya Mahalapye atswa mo matangwaneng a tshelang metsi a leswe kwa kgotlaneng ya Moloko. Bare koporase ya Water Utilities e tshwanetse go emisa ka ponyo ya leitlho go tshela metsi a leswe mo nokeng ya Mahalapye ka noka eo ,e nosa batho ba metse ya Setsile, Mokoswane, Kudumatse le ba meraka ya Matlhokgotshe. Bare bana le dipelaelo tsa gore metsi ao jaanong a ka nna a tsenya batho b aba nwang mo nokeng eo malwetse. Molaodi wa Mahalapye Rre Masole o akgoletse badiri ba lephata la metsi mo Mahalapye go rulaganyetsa dithutopuisano tseo ka jaana dikgonne go ruta batsaya karolo ka botlhokwa jwa tiriso le tshomarelo ya metsi,mme a kopa maphata a mangwe go tsaya malebela mo badiring ba lephata leo gore le bone ba kgone go tlhalosetsa setshaba se ba dirang le sone ka ditlamelo tsa maphata a bone. BOKHUTLO society 9 Tlhako ya morago e gata fa ya morago e gatileng teng Ntswa bontsi bo dumela gore motho a kgone tiro ke gore a bo a e etse sekoleng, Mme Modiri Gabatwaelwe o supile fa seo e se sone fela se se tlhokafalang gore motho a kgone, ka a itiretse leina ka go roka mme a ise a ko a ithutele tiro e gope. Mo potsolotsong le BOPA Mme Gabatwaelwe wa kgotla ya Sesoma o tlhalositse fa lorato mo tirong e motho a e dirang e le selo se se botlhokwa. Moroki yo, a re o sale a nnile le lorato mo tirong ya go roka ka 1972 a sale mmotlana. Ka go twe tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng, mma Gabatwaelwe o ne a tsaya malebela mo go malomaagwe yo e neng a le moroki. E ne e re fa malomaaagwe a roka Mme Gabatwaelwe a thuse ka go dira dilo tse dingwe jaaka go thatholola, ditiro tseo tsa tsala lorato lwa tiro e mo go ene. Ya re go goleng ga gagwe, Mme Gabatwaelwe yo o dingwaga tse 63, o ne a berekabereka ditiro tsa go thusa mo malwapeng. “Kana tiro ya mo lwapeng ga e duele sepe, kwa bonosing jwa me ka ipotsa gore ka ke a gola, ke ya go dira eng mo botshelong go tlhokomela ba lelwapa la me ka ke itse gore ke ka seke ka berekela ruri mo malwapeng.” Ka nako eo, mogolowe o ne a na le letlapa le le rokang a dira tiro ya go roka, ka lorato le ne le ntse le le teng a tsweledisa go ithuta tiro eo, e re mogolowe a kgaola diphethene ene a bo a nna a pataganya go fitlhelela a itse. Ka go twe e e anywang e leletse e ruta e e mo maleng, bana ba ga Mme Gabatwaelwe le bone ga ba engwe ke ope ka fa go rokeng. Kgwebo ya gagwe e a supileng fa e kwadisitswe ka fa molaong ka 2015, o tlhalositse fa e dira sentle le fa a direla mo lwapeng. A re mo nakong ya gompieno ga a a hira ope yo o tswang kwa ntle, o dira le ngwana wa gagwe Mme Obolokile Gabatwaelwe wa dingwaga tse 39. Mme Gabatwaelwe, yo o tsenang kereke ya Bethlehem, o supile gore kereke e nnile le thotloetso mo tirong ya gagwe ka ba sega seaparo kwa go ene. “Nako ya fa go iwa pasekeng kgwebo e tsholetsega thata ka bontsi bo rokela tiro e.” O supile gore ka e le motho yo motona, ga a ise a nne le dikakanyo tsa go batla go tswa mo lwapeng a ya go rokela go sele ka a rata go phakela a bereka mo lwapeng pele ga a ka simolola tiro ya go roka. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Banana ba ikuela mo go Makgato Banana ba metse ya Maape, Pilikwe le Mhalapitsa ba lela ka go diega ga ditlamelo kwa metseng ya bone. Ba buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa bone, Mme Dorcas Makgato. Ba re go diega ga ditlamelo go ba ba ya ka fa mosing. Banana ba, ba re lenaneo la go isa banana dikoleng tse dikgolwane tsa ithutelo ditiro la Target 20 000 le gorogile morago mme le tlogetse bontsi bo sa isa dikopo tsa bone. Ba re ke gone ba neng ba amogela difomo tsa go ikopela bosheng, di tla ka makhanselara a bone mme e re ba lebile go di busa go bo go tswalelwa. Ba kopile mopalamente go ba thusa kgang e. Mo go tse dingwe, banana ba Tirelo Setshaba ba lela ka go sa bona dituelo tsa bone tsa kgwedi le kgwedi. Ba re ba isitse sesupo sa gore ga ba a duelwa kwa ofising ya banana ya Mahalapye mme ga ba ise ba fiwe phetolo mme e bile malatsi a keresemose a gaufi mme ba ise ba duelwe. Banana ba tlhaloseditse mopalamente wa bone fa se, se bakilwe ke gore diofisi tsa banana tse di kwa Sefhare di tswetswe mme ba tlamega go tsaya ditlamelo kwa Mahalapye. Fa a tswa la gagwe, Mme Makgato, yo e bile e leng tona ya botsogo, o ba tlhaloseditse fa ofisi ya banana e sa tswalwa ntswa maikaelelo e ne e le go e tswala. A re o ne a bua le ba ofisi ya banana gore ofisi e e kwa Sefhare e seka ya tswalwa ka e thusa banana ba kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami fela thata. A re mmabanana yo o ntseng a berekela mo go yone o isitswe kwa lefelong le lengwe ka jalo ofisi eo e tlaa fiwa mmabanana yo mongwe ngwaga o o tlang o simologa. Mo go tsa dituelo tsa banana a re o tlaa tlhotlhomisa kgang e go bona gore banana ba ka thusiwa jang ka dituelo tsa bone pele ga keresemose. Mme Makgato o ba tshephisitse go tlhotlhomisa le kgang ya difomo tse di tswaletsweng tsa ikopelo dikole tsa ditiro. A re kgang e ke selelo se a se fitlhetseng le ko metseng ya Matlhakola, Chadibe le Borotsi ka jalo go supa fa e amile banana ba kgaolo ya gagwe ka bontsi. O ba kopile gore mo nakong ya gompieno ba na me ba isitse difomo le maina a bone ko ofising ya gagwe gore a kgone a itse gore go amegile banana ba le kae. society 9 Ofisi e ba atumetse Banni ba Okavango ga ba sa tlhola ba bolawa ke mosepele wa go ya go duela le go tsaya madi a tlhokomelo ya bana kwa Maun ka jaanong ofisi eo e fuduseditswe kwa Gumare . Fa a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, mogolwane wa tsa dituelo kwa kgotla tshekelo ya Gumare, Mme Kebope Gabonnwe, o boletse fa e rile ka 2006, ba kgotla tshekelo ya Maun ba tsaya tshwetso ya go simolola go kwalela dikgetsi tsa kgaolo potlana ya Okavango mo bukeng ya tsone e le esi gore e re fa kgotla tshekelo ya Gumare e bulwa, go bo go nna motlhofo go fudusa dikgetsi tseo. Le fa kgotla tshekelo ya Gumare e butswe semmuso ka 2006, e ne e sena ntlo ya ditaelo le maranyane a inthanete go ka tsaya dituelo tsa tlhokomelo ya bana mme maranyane ao a tsenngwa ngwaga ono mme ya simolola go bereka ka fa tshwanelong. A re ba ne ba baya dipampiri tsa dikitsiso mo diofising tsa maphata le mo marekisetsong ka go farologana go itsise setshaba ka phuduso e mme go ya ka dipalo tsa batho ba ba tlang go duela le go tsaya madi, go supega fa banni ba Gumare le metse e e mabapi ba ise ba itse thata ka yone. A re kgaogo ya maranyane a inthanete e a tshwenya mme o rotloeditse setshaba go ba leletsa go tlhola fa maranyane a le teng pele ga ba ka tla go kopa thuso kwa ofising ya bone. Le fa ntswa ba lebanwe ke kgwetlho ya kgaogo ya inthanete, Mme Gabonnwe o rotloeditse setshaba go dirisa kgotla tshekelo eo ka malatsi a beke ka dinako tsa pereko tsa puso ka jaanong e ba fokoleditse mosepele. society 9 Banni ba akgola lephata la thuto Baagi ba metse ya Tsootsha le Charleshill, ba itumeletse diphetogo tse di dirilweng ke lephata la thuto le tlhabololo dikitso tsa gore bana ba lekwalo la bosupa le la bone ba boelele fa ba sa dira sentle mo ditlhatlhobong,. Ba ntshitse mafoko ao mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di tshwerwe ke tona was lephata la thuto, Dr Pelonomi Venson Moitoi, kwa metseng eo bosheng. Ba ne ba ngongorega ka dintlha di le mmalwa jaaka go sa sa baakanngwe ga dikole, go tlhaela ga barutabana le go sa tseneng diphuthego ga batsadi. Tona o ne a supa fa ba kopile madi go tla go baakanya dikole le go di tsenya motlakase. O ne a kopa barutabana gore ba simolole go kwadisa bana ba ba tshwanetseng go simolola lekwalo la bongwe ngwaga o o tlang gore ba kgone go simolola go tsena sekole go sa ntse go na le nako e ntsi ka gore barutabana ba supa fa lenaneo leo lena le maduo. Tona o boletse gore go na le bathusa barutabana, ba ba thusang bana ba ba sa utlweng Setswana jaaka bana bangwe ba Basarwa. A re lenaneo leo le tsweletse sentle ka gore kwa kgaolong ya Ghanzi, go setse go thapilwe ba ferabongwe. education 4 Lekgotla le aba dinommore Lekgotla le lebotlana la kabo ditsha kwa Kgalagadi Borwa ba re ba tlaa abela setshaba dinomore go di baya mo ditshengtsa bone. Fa a bua mo phuthegong kwa kgotleng kgolo ya Tsabong bosheng, leloko la lekgotla leo, Mme Segomotso Bahuma o ne a tlhalosa fa dinommore tsa ditsha di le botlhokwa ka di tlaa fefosa dithuso le ditlamelo tse ba di neelwang, bogolo jang ke mapodisi, ba lephata la botsogo, motlakase le metsi ka go tlaa tlhofofatsa le go ba kaela kwa motho a nnang teng. Mme Bahuma o boletse fa Motswana mongwe le mongwe a tlaa tsenyediwa dinomore tseo tsa malwapa mahala mo metseng e le masome a mabedi le bongwe e e mo kgaolong eo pele ga kgwedi eno e ya fifing. O kaile fa metse e e mo kgaolong eo e tlaa farologanngwa ke tlhaka e e kwalwang mo dinomoreng tsa ditsha. A re dinomore tseo ba solofetse fa e le tsa boleng jo bo kwa godimo le gore di mosola ka di tlaa kgona go farologanya mekgwatha sentle le yone tebego ya motse tota. Fa ba mo kgwa dikgaba, banni ba ne ba itumelela thulaganyo eo ba kaya fa e le tsone ditlhabololo tse ba saleng ba di emetse. Fa a tswa la gagwe, Kgosana Piet Kaatzee o ne a lebogela dinomore tse di tlaa bewang mo malwapeng a kaya fa mme di ne di ka tsamaelana sentle fa mekgwatha e ka bo e setse e biditswe maina. O kaya fa e le mogopolo o ba kileng ba rerisana le ba khansele ka one mme o tshwanelwa ke go latedisiwa ke boeteledipele jwa motse. Kgosana Kaatzee o ne a lebogela phuthego eo le ntswa a ne a ngongorega ka dipalo tse di kwa tlase tsa banni ba ba neng ba tsene phuthego, a kaya fa dikgang tseo di le botlhokwa mo go bone. Rre Peter Gotlop o ne a kopa banni ba Kgalagadi Borwa go tshwaragana le go dirisana sentle le badiri ba lekgotla leo ba ba tlaa bong ba romilwe go baya dinomore mo malwapeng le gone go ba supegetsa fa ba eletsang di ka bewa teng ka seo se ka thusa thata mo katlegong ya tiro eo. BOKHUTLO politics 7 Keitumetse o itumelela ditlhabololo Kgosi Silas Keitumetse wa Mookane a re o itumelela ditlhabololo tse di tsweletseng ka go dirwa mo motseng wa gagwe. A re motse wa gagwe o tsweletse ka go golela pele ka jaana ba setse ba na le maphata le badiredi ba puso ka go farologana go akarediwa kokelwana e e lekaneng go thusa le balwetse ba ba gateletsweng pele ba ka isiwa kwa sepateleng. Motse o, o o neng o digela dingwaga di le lekgolo o ntse o le teng dikgwedi tse pedi tse di fetileng, o na le dikole tse pedi. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Keitumetse a re le fa ba sa ntse ba lela ka go tlhoka tsela, o dumela gore motse wa gagwe o tlaa tswelela ka go gola ka go setse go beilwe semmuso setsha se mo go sone go tlaa agiwang diofisi tsa khansele. O tlhalositse fa go gola ga meepo le madirelo di tlaa thusa thata mo go goleng ga motse oo. A re khamphane ya PPC e supile fa le bone mo nakong e e tlang ba tlaa bo ba epa semente mo kgaolong ya gagwe. Kgosi o tsweletse ka go tlhalosa fa batho ba gagwe ba amogetse mananeo a puso a akaretsa a nyeletso lehuma, LIMID, madi a banana, masingwana a merogo le fa mo pakeng eno ba amilwe thata ke letlhoko la metsi, mmogo le go tsenelela metshameko e e rotloediwang ke Tautona. A re le fa bontsi bo tlhaela kitso ka ga mananeo a e bile le ba ba a tsereng ba kgona go seka ba a dirisa sentle, ba tsweletse ka go ruta le go ba itsese botlhokwa ja mananeo a go nna jaana ba tshwaragane le mopalamente wa bone yo gape e leng mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae mme Botlogile Tshireletso go ba thusa go tlhabolola matshelo a bone ka mananeo a. Kgosi o boletse gore mme le fa go ntse jalo, o tshwenyega thata ka banni ba motse ba ba nang le mokgwa wa go itlhokomolosa bogosi fa ba bilediwa diphuthego tse di direletsweng go thusa bone e le morafe. O tsweletse ka go bua fa a tshwentswe thata ke seemo sa borukutlhi se se tsweletseng ka go golela pele mo motseng. A re banana ba inaakantse le ditiro tsa botlhokatsebe go simolola fela ka ba ba sa ntseng ba le mo dikoleng, a re mo nakong e e fetileng ngwana wa sekole sa magare sa Mookane o kile a tlhaba morutabana wa gagwe ka thipa. Kgosi o tsweletse ka go tlhalosa fa a tshwaragane thata le ba sepodisi go lwantsha diemo tse tsa borukutlhi tse di akaratseng go thuba le go utswa mo matlong le dikgwebo tsa batho, petelelo,tiriso ya ditagi mmogo le bogodu jwa leruo bogolo jang ditonki tse ba di bolayang ba di ja le go di rekisa mo metsaneng e e gaufi. Kgosi Keitumetse o nnile a bolela fa a itumelela tirisano mmogo ya ba sepodisi go thusa mo go tshwareng botlhe ba ba inaakantseng le jone borukutlhi jo a re o dumela gore ba tlaa feletsa ba kgonne go fokotsa ditiro tsa go nna jalo mo motseng. O rotloeditse batsadi go itlwaetsa go tsibogela pitso ya diphuthego gore ba tle ba tshwaraganele mathata a motse wa bone le go kgalema bana ba bone fa ba lemoga gore ba tswa mo taolong. politics 7 Tlhagafalelang mananeo - modulasetilo Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Shorobe, Rre Baleseng Gwanga, o lela ka batho bangwe ba ba sa tseeng mananeo a nyeletso lehuma ka thwaafalo. O boletse mo potsolotsong gore bontsi jwa nako batho ba ba thusiwang ka mananeo a, ba sa a tsee ka tlhwaafalo mme e bile ba felela ba tlogela a senyega. O supile gore ka dinako tse dingwe, baikopedi ba felela ba itiresetsa dithuso tsa teng bangwe ba ja dipodi le dikoko tse ba di filweng gore ba itshetse ka tsone. Rre Gwanga a re batho ba ba fiwang mananeo a ke ba ba a kopileng fela mme e se gore ba na le dikgatlhego mo go tse ba di kopileng jaaka motho a kgona go kopa dipodi kana dikoko mme a sena kgatlhego kana bokgoni jwa go tlhokomela leruo. O tlhalositse fa ba bangwe ba kopa dithuso tsa masingwana a merogo mme ba sena nako ya go tlhokomela. Rre Gwanga o supile fa se se senya madi a puso e a dirisang go reka dithoto tse e di dirisitseng go thusa baikopedi bao. A re gape go busetsa maiteko a mmuso kwa morago a go leka go nnyeletsa lehuma mo Batswaneng. Ka jalo Rre Gwanga o tsweletse a kopa komiti e sekasekang dikopo tsa batho go bereka le komiti ya ditlhabololo ya motse ka se se fokotsa ditshenyegelo tsa puso. A re komiti ya ditlhabololo e itse batho ba motse botoka ka jalo ba ka thusa komiti e e sekasekang dikopo ka go ba bolelela gore ke mang yo o nang le bokgoni jwa go tlhokomela eng le yo o senang bokgoni jwa go tlhokomela eng. A re fa dikomiti tse pedi tse di ka bereka mmogo go ka tswa maduo a a nametsang ka bakopi ba ka newa a dithuso tse ba ka di kgonang. society 9 Tsayang boikarelo jwa tikologo Ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe go bona gore tikologo e a tshelang mo go yone e nna e le phepa ka nako tsotlhe. Fa a bua mo moletlong wa go ipelela bophepa kwa motseng wa Ditshegwane bosheng, Kgosi Puso Gaborone o boletse fa matlakala a a mo tikologong a le botlhokwa ka a ka dirisiwa gape go a fetolela mo dingweng tse motho a ka itshetsang ka tsone jaaka dipampiri di kgonwa go dubiwa gape go dira mekgabisa, dithaere tsa dikoloi di dira ditilo, mabotlele a dinotsididi a kgona go fetolwa go dira dikopi gareng ga tse dingwe. O tsweletse a itsise batsena moletlo oo gore tiriso botlhaswa ya tikologo e motho a nnang mo go yone e ka nyeletsa kana ya kgoreletsa dilo dingwe. A re fa go tshubiwa matlakala mosi o ka kgona go nna le seabe mo go thuthafaleng ga lefaufau jaaka baitseanape ba tlhalosa. A re tikologo ga se fa motho a nnang teng fela, e akaretsa ditlhare, metsi le mmu ka jalo tsotlhe di tlhokana le tlhokomelo go sa nneng jalo di ka fela mme botshelo bo nne thata. O tsweletse a gwetlha batsena moletlo go dirisa matlakala gape gonne go dira jalo go fokotsa leswe mo tikologong. O ba gwetlhile gore ba seka ba tlhabiwa ke ditlhong go ya go tsaya matlakala kwa mahuting a a latlhelwang teng. Kgosi Gaborone o akgotse lenaneo la go sela matlakala ka dikolotsana tsa ditonki tse di thapilweng ke khansele ka le lone le thusa go fokotsa ditshenyegelo tsa khansele. O akgotse gape motse wa Ditshegwane go bo o itsege e le mengwe ya metsana e e phepa. Kgosi o tsweletse o galaleditse ba ba amogetseng dietsele go tswelela ba tshwara ka natla mme a gakolola ba ba sa kgonang go ithuta mo go ba bangwe gore le bone ba kgone go gapa dietsele nako e e tlang. Seetsele sa metse e mennye e e phepa se gapilwe ke motsana wa Mantshwabisi, mo metseng e e fa gare sa ya kwa motseng wa Sesung, fa sa metse e metona se tserwe ke Kopong. Khansele potlana ya Letlhakeng yone e ikgapetse maemo a ntlha mo dikhanseleng potlana tse di phepa. Ba ba neng ba dirisa matlakala kana go a fetola go itshetsa le bone ba ne ba ikgapela dietsele. Mokete o ne o tshwerwe ka moono wa “Bonno jwa rona, lefelo la rona, maikarabelo a rona’ environment 5 Ba sepodise ba lwantsha borukutlhi ka dibaesekele Ba sepodise sa Botswana ba simolodisitse tekeletso ya ditlhopha tsa twantsho borukutlhi tse di tlaabong di disa setshaba ka thuso ya dibaesekele mo Gaborone bosheng. Dipego go tswa kwa ofising ya sepodisi ya phatlalatso di supa fa setlhopha sa ntlha se se katisitsweng go dirisa dibaesekele se tla lekelediwa kwa diofising tsa sepodise tse di latelang: Borakanelo, Broadhurst, Central le Gaborone West. Go bolelwa fa bontsi bo tla katisiwa e bile bo tla rolelwa diofisi tse dingwe tsa sepodise mo nakong. Pego eo e e tswang kwa lephateng la sepodisi la phatlalatso e kaya fa lenaneo le le tla thusa go fefogela borukutlhi jo bo diragalang mo metseng jaaka go thubiwa ga matlo le go kgothosa batho mo tseleng. E tlhalosa fa moono wa dibaesekele o ka thusa, ka di se turu, e bile mo diemong tse koloi e ka palelwang ke go feta jaaka mo dikgogometsong di ka thusa botoka. Bakgweetsi bao ba dibaesekele ba tla thusa setshaba mo dilong di le mmalwa, di akaretsa go ba ruta ka twantsho borukutlhi le go thusa bagodi, bana le bana-le-bogole go kgabaganya mo ditseleng tse di dirisiwang ke dipalamo thata. Mapodise ao a twantsho borukutlhi a ka lemogwa ka marokgwe a mmala wa sepodise a a tlwaelesegileng mme a na le moradi o o tsabakelang; hempe e e tala le lekarapa le le mmala o mosweu le botala jwa loapi. Go bolelwa fa paka ya sepodise le dibaesekele tseo di ka lemogwa gape ka letshwao la sepodise sa Botswana. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Tsogwane a re ba dirise mananeo Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae yo gape eleng mopalamente wa Boteti Bophirima ,Rre Slumber Tsogwane o gakolotse banni ba metse ya Mokoboxane, Kedia, Mopipi,le Toromoja gore ba dirise mananeo a puso a a teng go iketsha mo lehumeng. Tona Tsogwane o ntshitse kgakololo e fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla ko metseng eo bosheng tse maikaelelo a tsone eleng go lekola batho ba kgaolo ya gagwe, go balekodisa ka tse di builweng ko palamenteng ee fitileng le go tsaya matshwenyego le megopolo ya bone go ee isa ko palamenteng. Tona Tsogwane a re maikaelelo a ga tautona ke gore fa kwelotlase ya itsholelo e tokafala o tla leka go inola batho mo lehumeng ,go fokotsa letlhoko la ditiro , segolo jang mo bananeng, Bojanala , le temo thuo. Tona o bile a ba rotloetsa go tlhokomela leruo gore le seka la jela ba bangwe mo masimong ,a re molao wa leruo le le senyang mo masimong o mo tseleng.O ne gape a kopa banana go iteka ba dirisa mananeo a teng a puso ,a re ba baneng ba sa atlega mo dikopong tse dingwe ba tswelele ba leke mananeo a sele,a tlatsa ka go gakolola gore ba ikgaphe mo borukutlhing. Tona one gape a rotloetsa banni go lema gore batle ba itshetse ,terekere ditlhaela ,le dipula tsa mono ngwaga dile boutsana . O ne a ba lekodisa ka tse di builweng ko palamenteng ee fitileng ,jaaka molao kakanyetso kana patlo megopolo mabapi le go gola ga dikereke ,tiriso ya madi ee ko godimo ,o ka o ne tona yo lebaneng ane a kanya gore go okediwe palo ya maloko ,a o ka kwadisang kereke kaone , e e ntseng ele lesome e tswe mo go lesome gona lekgolo lemasome a botlhano. Tona Tsogwane o ne a balekodisa ka seemo sa EBOLA ,a tlhalosa gore puso e ipapane go thibela go tsena ga bolwetse jo mo lefatsheng leno.o bile a re puso ikaelela go lantsha tshenyetso setshaba,atlatsa ka gore ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe go e lwantsha . Tona Tsogwane o supi fa lenaneo la ditlhabololo la NDP10l e atolositswe ka ngwaga gore go lekwe go akaretsa tse dineng di saletse ko morago,le gore le wele sentle le tebelopele ya lefatshe leno fa la NDP11 le tla latela morago . Tona Tsogwane o bile a kgothatsa badirelapuso go dira tiro ya bone ka nata,le boikanyego go diragatsa mananeo a puso , bathusa setshaba ka mowa ya neelano ,a re puisano e botlhokwa ka gore e ka fokotsa tiego le tlhoka kutlwesisano fagare ga bone le setshaba. Tona one a leboga morafe wa kgaolo ya gagwe go bo ba mo tlhophile mmogo le Tautona,atlatsa ka gore ba mo kgaong e ncha ya boteti Bophirima ,ga e sa tlhole ele Boteti Bokone, a re diofisi tsa Mopalamente di kwa motseng wa Rakops. BOKHUTLO politics 7 Monni wa Molepolole o itshedisa ka go dira diphahana Banni ba Mmashoro kwa kgaolong ya Legare ba kopilwe go tshwaraganela go rarabolola dipharologanyo ka bogosi jwa bone. Moemela kgosi kwa Gammangwato, Kgosi Dikgakgamatso Kebailele, o gakolotse jalo a sena go amogela dingongorego tsa ba ba kgatlhanong le go tlhongwa ga ga Rre Kemmonye Modisagape go nna mothusa kgosi. O supile fa mokwalo wa khiro ya mothusa kgosi ya Mmashoro, o tswa kwa go tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae. A re Rre Modisagape ke ene a beilweng, a tlatsa ka gore thulaganyo eo e diragaditswe ka fa molaong oo tsamaisang bogosi. Phatlha ya mothusa kgosi e ne ya nna morago ga go tlhatlosiwa maemo ga ga Rre Opelo Disang yo o neng a tsaa setilo sa bogosi, mo go Kgosi Mompati Wabobedi yo o neng a tlogela ka bogodi. Kgosi Kebabeile o tlhalositse fa kgang ya go thiba phatlha ya mothusa kgosi ya Mmashoro e sa bolo go reriwa mme go sena tharabololo ee lolameng, kantlha ya tlhoka kutlwano mo banning ba motse oo A re seemo se, se tlaa dira gore Mmashoro a salele morago mo thulaganyong ya ditlhabololo, a tlatsa ka gore go botlhokwa gore phatlha eo e thibiwe. “Le batho ba le bangwe fela ba Mmashoro. Le itse letsalo la lona. Bana ba motho ba atle balwe mme morago ba dumalane. Fa le sa dumalane puso e ka bona gore e ka tsaa tsela efe,” a tlhalosa. O ile a supa gape gore kgosi a le nosi ga a kake a kgona motse wa Mmashoro, a tlatsa ka gore, o tlhoka mothusi go mo thusa le go mo gakolola. “Ga go a tshwanela gore setshaba se sokole ka ntlha ya go tlhoka kutlwano. Tsamaiso ke gore setshaba se thusiwe go sa kgathalesege gore dipharologanyo tsa rona ke eng,” a tlhalosa jalo. O ne a gakolola ba ba nang le ngongorego mabapi le peo ya ga Rre Modisagape, gore ba gololesegile go ka tsaa dikgato tse di lebaneng. Mongwe wa banni, Rre Tshenolo Bogosi o supile fa ba Mmashoro ba le kgatlhanong le peo ya ga Rre Modisagape. “Re na le tumalano ee faphegileng rele batho ba Mmashoro ya gore re batla Rre Bontshwanetse Kgosiesele. Re kopa gore go name go emisitswe peo ya ga Rre Modisagape, ka e bile re tswa kgakala re le kgatlhanong le peo ya gagwe. Le mekwalo e a supa,” ga bua Rre Bogosi. Rre Bogosi a re ba dumela fa Botswana e le lefatshe la puso ya batho ka batho, ka jalo a supa fa a na le tsholofelo ya gore go tlaa buisanngwa go bo go dumelwanwa sentle gore ditshwetso di tsewe. environment 5 Baithuti ba abela bagolo Baithuti ba sekolo sa Lobatse Instituite of Health Sciences ba le babedi, ba ba ithutelang bolwetse jwa tlhaloganyo le maikutlo, ba ne ba abela bagolo le balwala tlhaloganyo dimpho tsa diromamowa, metshine e e itshidilang mmele e le mebedi le tse dingwe kwa Ramotswa bosheng. E rile a amogela dimpho tseo, mogolwane wa mokgatlho wa Re fa ka bone, Mme Selinah Ntshwee, a tlhalosa fa mokgatlho oo o tlhamilwe ka ngwaga wa 2011, mme ba simolotse go tlhokomela bagolo le balwala tlhaloganyo ka ngwaga wa 2013. O tlhalositse fa baithuti bao ba ba thusitse thata ka go bua le bagolo ka e le batho ba ba dingalo, mme ebile go le dingalo go dira le bone.Mongwe wa baithuti bao Mme Nametso Sheto, o ne a tlhalosa fa ba ne ba romelwa kwa motseng wa Romotswa, e le nngwe ya dithuto tsa bone, mme ba feta ba amogelesega. O tlhalositse fa Kgosi Tsimane Mokgosi a ne a ba lekodisa ka motse wa Ramotswa, mme ka lesego ba bona bagolo kwa mokgatlhong oo, mme ba lemoga fa ba sa dire sepe mme se se le borai mo botsogong jwa bone. Mme Sheto o tlhalositse gore fa motho a sa tsoga sentle mo maikutlong, le mmele ga o tsoge, le mmele fa o sa tsoge sentle le tlhaloganyo ga e tsoge, a bo a supa fa go nna o sena tsholofelo go dira gore motho a seka a nna sentle mo tlhaloganyong. O tlhalositse fa bagolo e le bone ba rutang bana ngwao le gone go ba nyadisa, mme go le botlhokwa gore maikutlo a bone a bo a siame, gore ba tle ba fodise mebele ya bone. O supile fa bagolo ba ne ba batla seromamowa gore ba tle ba reetse dikgang, mme o ne a leboga ba lebenkele la Furnmart la Ramotswa, go nna le seabe mo tirong eo le Balete go latlhela se ba nang le sone gore tiro ya bone e atlege. Mothusa Kgosi Tsimane Mokgosi, o ne a akgola tiro e ntle e baithuti bao ba e dirileng, a supa fa motho a tshwanetse go ithuta malatsi otlhe, o supile fa go ithuta mo go tona e le go ithuta mo go ba bangwe ka dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe. Kgosi Mokgosi o supile gore batho ba batona ba rata boammaaruri, a supa fa ba mokgatlho wa ‘Re fa ka bone’ ba diretse Balete sefalana ka go tlhokomela bagolo, mme bone ba sa lemoge seo. education 4 Madae o abelwa pompo Mo maitekong a go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya ngwaga wa 2016 ya go nna setshaba se se kutlwelobotlhoko e bile se tlhokomela batho ba yone, ba ofisi ya ga molaodi kwa Bobonong ba abetse Rre Sethora Madae wa Tsetsebye pompo ya metsi. Fa a bua kwa letsatsing la go aba pompo eo, mothusa molaodi wa Bobonong, Mme Ndindoga Makhwaje a re ba bone go tshwanela go ema nokeng moono wa ga Tautona wa go thusa batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. Mme Makhwaje a re e ne ya re Phalane ngogola balaodi ba kgaolo ya Legare, ba boipelego, le badiredi ba bone ka kakaretso ba kopana kwa Zanzibar go bona ka fa ba ka nnang le seabe mo moonong wa ga Tautona ka teng mme ba dumalana go kgobokanya madi go tsenyetsa Rre Sethora Madae pompo. Mme Makhwaje a re le ntswa batho ba sa lekane ka itsholelo, fela go tshwanetse go nna le mowa wa neelano le lorato lwa go thusana. A re fa motho a na le sa gagwe o nna le seriti ka gonne go kopela ruri le gone go a lapisa. Mogolwane go tswa mo ofising ya National AIDS Coordinating Agency, Mme Rosinah Hary o gwetlhile botsadi boora Madae go thusa Rre Madae go duela metsi ka a sa dire a bo a ba kopa go itsa bana go tshamekisa metsi. Mme Hary o bile a ba kopa go tlhokomela pompo eo ka e le yone e ba neelang metsi gonne kwa ntle ga metsi ga go na botshelo. Fa a latlhela la gagwe, Kgosi Dialwa Motsamai o galaleditse moono wa ga Tautona wa go thusa batho ba ba dikobo dikhutshwane ka ditsompelo. O supile fa motlhala wa go ya kwa ngwageng wa 2016 o bonala ka bontsi jwa batho ba setse ba agetswe matlo fa a mangwe a santse a agwa. Kgosi Motsamai o tlhalositse fa lefatshe la Botswana le le lentle e bile e le mpho ya Modimo ka gore kagiso le thokgamo di agile mo go lone. society 9 Segwabe o itumelela tirisano mmogo le morafe Molaodi wa Kgatleng Rre Mompoloki Mochanang o kgothaditse balemi-barui go dirisa lenaneo la phokoletso dituelo la puso go thusa mhama wa temo-thuo gore o seka wa angwa thata ke leuba. Mo puisanyong le banni ba Artesia bosheng, Rre Mochanang o boleletse balemi-barui gore puso e ntshitse P856 million go dirisiwa mo go fokotseng manokonoko a lehuma morago ga gore baitseanape ba tepo-loapi ba supe gore 2019 ke ngwaga wa leuba. Rre Mochanang o boletse fa puso e tsere maikarabelo a go rulaganya gore balemi-barui ba reke dijo dingwe le melemo ya leruo le dijalo ka tlhwatlhwa e e fokoditsweng ka selekanyo sa 25 A re ditshekatsheko di supile gore leuba le bakilwe ke go tlhaela ga pula gammogo le go gotela ga loapi, mmogo le tse dingwe. A re dithuso tsa phokoletso ditlhwatlhwa di tlaa emisiwa ka Mopitlo, ka jalo o rotloeditse balemi-barui go itlhaganelela go dirisa lenaneo leo. O boletse fa go buisantswe le Botswana Marketing Board gore e netefatse gore dijo le melemo di teng mo marekisetsong gore balemi-barui ba kgone go reka ka nako. “ Go setse malatsi a sekae fela gore go bo go tswalelwa. Rekang dijo le menontshane le fepe leruo le dijalo.” O ne a supa gore puso e tsaya mhama wa temo-thuo ka tlhoafalo ka gore o botlhokwa mo go ntsheng dijo tse di ka fepang lefatshe. Rre Mochanang o ne gape a kopa banni ba Artesia go tsaya le go dirisa mananeo a nyeletso lehuma gore ba tokafatse matshelo a bone. O ne a lekodisa banni ka dikgang tse dingwe tse di amang matshelo a bone jaaka ba ne ba di mo roletse e bile ba mo kopile go di sekaseka. Komiti ya ditlhabololo ya Artesia e ne ya rola pego e mo go yone ba neng ba lebogela ditlhabololo di tshwana le phatlalatso ya motlakase mo motseng. Mokwaledi wa komiti ya ditlhabologo Mme Mphoentle letsogo o ne a nankola ditlhabololo di tshwana go agwa ga ditsela mo motseng, go baakanngwa ga motlobo wa dibuka le go agwa ga matlo a borutelo le a barutabana a boroko. Le fa go ntse jalo, komiti e ne ya ntsha dingongorego di akaretsa tlhaelo ya ditirelo tsa boipelego le go diega ga didirisiwa tsa Ipelegeng. Ba ne gape ba kopa gore ofisi ya boipelego le leobo la kgotla di tsenngwe motlakase. Rre Mochanang o ne a solofetsa banni ba Artesia gore o tla nna aba lekola go tla go tsaya megopolo le go utlwa matshwenyego a bone nako le nako. O ne a akgola komiti ya ditlhabologo, a kaya gore ba dira tiro ya bone ka manontlhotlho le fa ba kopana le dikgwetlho. A re komiti ya ditlhabololo e botlhokwa ka jaana e lomaganya motse le puso gammogo le mhama o o ikemetseng. society 9 Banni ba ntsha megopolo ka diterena Banni ba Mahalapye ba lebogetse go fiwa sebaka sa go tswa ka megopolo e e ka thusang go hema dikotsi tsa diterena. Ba ntshitse megopolo mo phuthegong ya kgotla bosheng ee neng e biditswe ke lekoko le le tlhotlhomisang se se bakileng kotsi ya terena ka Sedimonthole ngogola. Terena ya batho ya BR 0501 e e neng e ya Francistown e ne ya nna le kotsi magareng ga noka ya Bonwapitse le Pallaroad mme ga tlhokafala babereki ba Botswana Railways ba le babedi. Kgosi Bohitlha Bele wa kgotla ya Kanamo o gakolotse boeteledipele jwa Botswana Railways go tlhomamisa gore seporo se nna se babalesegile ka dinako tsotlhe. A re dikotsi dingwe tsa terena di ka hengwa ka go tlhokomela seporo le metshalakgabo ya sone. Monni, Mme Cathrine Kapo, a re thapelo ke yone e e ka fenyang dikotsi, ka jalo a gakolola gore go botlhokwa go nna go rapelelwa metsamao ya diterena a supa gape fa seporo se tlhoka go ntshafadiwa. Mme Monty Moseki, yo o tlhokafaletsweng ke motsadi ka kotsi ya terena ka 1968 a re dikotsi tsa terena di a hutsafatsa ka a dumela gore BR e ka hema dikotsi fa e ka netefatsa gore e dirisa motor trolley go sekaseka seemo sa seporo gore se itekanetse go le kae pele ga mesepele yotlhe ya diterena. Go hema dikotsi tsa diterena, Rre William Mhandu yo o berekileng mo ditereneng kwa Zimbabwe le Botswana dingwaga di le masome a mararo le borataro, o supile matshwenyego a gore badiri ba diterena mo malatsing a gompieno ga ba sa tlhole ba tsaya papalesego ya terena ka tlhwaafalo. Rre Mhandu a re seporo se kile sa ntshafadiwa bosheng ka jalo, go seka ga ipatiwa ka seemo sa sone. O gateletse gape gore go botlhokwa gore babereki ba ba amanang le tiriso ya diterena, ba tseye tiro ya bone ka tlhwaafalo le ka boineelo. Monana, Rre Samson Marcelino yo o tlhalositseng fa e le modirisi yo motona wa terena, o gateletse botlhokwa jwa gore babereki ba netefatse gore tsotlhe di bereka sentle pele ga go simololwa mosepele. Fa a lebogela megopolo le dikakgelo tsa morafe, Modulasetilo wa lekoko, Rre Olefile Moakofi o tlhalositse fa lekoko le ithutile go le gontsi mo megopolong le dikgakololo tsa morafe. “E tlaare kwa bofelong jwa letsatsi, Batswana ba tlaa nna le go tiya moko, go boela mo tereneng ka go bona gore bogogi bo okametswe ke puso ya rona, bo diragaditse tse di kailweng le tse go builweng gore di diragadiwe,” Rre Moakofi a tlhalosa. Rre Gofaone Morweng yo e leng leloko la lekoko a re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o ne a bona go le matshwanedi ka tsamaiso ya melao ya diterena go tlhoma lekoko le maloko a lone a tswang mo maphateng ka farologana, go tlhotlhomisa se se bakileng tiragalo e. Rre Morweng a re tona wa Dipalamo le Ditlhaeletsano, Rre Thulagano Segokgo o ne a kgobokanya lekoko le, mme la simolola ditlhotlhomiso kgwedi ya Hirikgong monongwaga. Lekoko le ne la simolola ka go botsotsolotsa babereki ba Botswana Railways le baitseanape bangwe. A re maikaelelo a ditlhotlhomiso tse ke go phutha megopolo ka se se diragetseng le gore go ka tokafadiwa jang seemo sa itshireletso kwa lekalaneng la diterena. “Ka jalo, re ne ra bona gore go tlaabo go le thona gore e re re ntse re tsweletse re dira ditlhotlhomiso, tsa rona a bo re tlola beng ba seporo, e leng baagi ba Mahalapye,” Rre Morweng a tlhalosa. “Re batla go anya mo go lona gore fa e le gore o kile wa dirisa terena, maitemogelo a gago e ne ya nna eng, ebile o batla gore go dirwe eng go hema dikotsi le go tlhabolola pabalesego ya go dirisa diterena,” Rre Morweng a supa. O tlhalositse fa lekoko le tlaa rolela tona ditshekatsheko fa Mopitlo a ya fifing. A re maduo a ditlhotlhomiso, a tlaa thusa go netefatsa gore pabalesego ya tiriso ya diterena ke ya maemo a a kwa godimo. A re lekoko le ikemetse ka nosi, ka jalo ga le tseye letlhakore ebile ga le amane ka gope le Botswana Railways le ntswa bangwe ba maloko e le baitseaanape ba ba berekileng kwa lekalaneng leo. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Diphetogo di tlaa fefosa ditlhopo Mopalamente wa Bobirwa, Rre Shaw Kgathi, o tlhaloseditse banni ba Gobojango, Semolale le Mabolwe gore morago ga gore Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama a phatlalatse palamente kgwedi eno ele masome a mabedi le boferabongwe, matona a puso one a tla tshegetsa tiro go fitlhelela morago ga tsatsi la ditlhopho go tsamaisa merero ya puso. Fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo bosheng, Rre Kgathi yo gape e leng motshwaralela tona mo ofising ya ga tautona le bodirela puso o boletse fa go nale diphetogo dingwe tse di dirilweng ke palamente mo tsamaisong ya ditlhopho. A re ditlhabololo tse di tsile go dira tsamaiso ya ditlhopho bofefo ka maina a batlhophi a rulagantswe ka difane e bile maduo a bokhanselara a tla balelwa kwa mafelong a botlhophelo. Tona Rre Kgathi a re ka letsatsi la ditlhopho go tla nna le bodiredi jwa batsamaisi jwa ditlhopho ba ba tla thusang batlhophi kwa dikgorong tsa matlhophelo gore sengwe le sengwe se se amang ditlhopho se tsamaye ka bofefo. A re bagodi, ba-na-le bogole, le bomme ba ba itsholofetseng ba tshwanetse go fiwa sebaka sa go tlhopha pele go setswe tsamaiso ya setho sa Setswana morago Fa a ama lenaneo la nyeletso lehuma, tona o boletse gore go na le ditlhabololo tse di dirilweng mme go santse go emisitswe dithuto tsa nyeletso lehuma ka nakwana gore ba ba saletseng kwa morago ba thusiwe. Rre Kgathi a re madi a dithuso tsa nyeletso lehuma a okeditswe go tswa kwa go P10 000 go ya go P15 000, a supa fa khuduthamaga e rebotse P20 million go dirisiwa go duela melala ya metsi kwa Water Utilities Corporation gore ditshingwana tsa merogo tse di neng di saletse kwa morago di simolole go dira. A re badirela puso ba tla tsenya letsogo mo go lebeleleng gore lenaneo leo le tsamaya sentle, a supa fa ba ba berekang Ipelegeng le bone jaanong ba akareditswe mo thulaganyong ya nyeletso lehuma, selo se se ntseng se sa diragale. Rre Kgathi a re seo se dirile gore palo ya baikopedi e ye kwa godimo, mme a re ba maphata a boipelego, temo thuo, pereko le selegae le ba diphologolo le makgabisa naga ba tla tsamaisa lenaneo leo. O tlhaloseditse banni fa mananeo a a ikemiseditse go lwantsha lehuma la nta ya tlhogo, a supa fa 6.4 percent e tshelela mo lehumeng le puso e e ikaelelang go le nyeletsa mme seo se ka kgonega fa ba ba fiwang mananeo ba ka a tsaya ka tlhoafalo. Fa a ama lenaneo la Ipelegeng, a re go a itumedisa go utlwa banni ba metse eo ba supa fa Ipelegeng e ba thusa fela thata mme a tlhalosa fa lenaneo la ISPAAD le lone le thusitse Batswana go ntsha dijo. E rile a itebaganya le kgang e e tshwenyang banni ba metse eo ya molelwane, a tlhalosa gore Botswana o malala a laotswe go bula molelwane wa Mmamabaka fa lefatshe la Zimbabwe le supa fa le santse le amilwe ke seemo sa kwelo tlase ya itsholelo. Rre Kgathi o ba lekodisetse gape fa letlhoko la koloi mo makgotleng a Gobojango, Semolale le Mabolwe le tuelo ya dikgosana tsa tetlanyo e tshwerwe ke tona wa dikgaolo le tlhabololo magae. Fa ba ntsha la bone, banni ba boletse fa ba tshwenngwa ke seemo sa borukutlhi jo bo dirwang ke bangwe ba lefatshe la Zimbabwe ba ba tlodisetsang leruo la bone kwa lefatsheng leo. Banni gape ba lela ka terata ya matlhoko a leruo e ba bolelang fa e senyegile mme se se ka anamisa bolwetsi ja tlhako le molomo. Ba boletse fa ba lephata la metsi ba tlisa melala ya metsi thari jalo go ba kgoreletsa go nwa metsi ka tshosologo mogodimo ga moo ba re metse ya bone e tlhaelelwa ke metsi Le ntswa go ntse jalo, ba lebogetse lenaneo la Ipelegeng le ba reng le okeditse dipalo tsa babereki ba lone mo metseng eo. BOKHUTLO politics 7 Modulasetilo wa komiti o galaletsa puso Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Dzoroga mo kgaolong potlana ya Tutume, Rre Keiphang Sechele o galaleditse puso go bo e tsweletse ka go gorosa ditlhabololo tse di ka thusang go tlhabolola seemo sa matshelo a banni ba motse. Rre Sechele o buile jalo mo potsolotsong bosheng. A re le ntswa lefatshe le ise le inoge mo manokonokong a kwelo tlase ya itsholelo, puso e tsweletse ka go diragatsa maikaelelo a yone a go tlhabolola matshelo a Batswana lefatshe ka bophara. A re diketekete tsa madi tse puso e di dirisang go gorosa ditlhabololo mo motseng wa Dzoroga ke sesupo sa gore puso e tsweletse ka go baya dikeletso tsa Batswana kwa pele. A re se ke kgatelopele e bile go itumedisitse ba le bantsi ka jaana letlhoko la motlakase e ntse e le selelo sa khuranyo ya meno gape go beile beng ba dikgwebo ka fa mosing. Rre Sechele a re sengwe gape se se itumedisang ka kgokelo e ya motlakase ke gore moikopedi o ka dira thulaganyo le ba koporase ya motlakase, a ntshe bontlha bongwe go ka gokelwa motlakase mme a a setseng a a duele ka iketlo. Modulasetilo o bile a supa gape fa ba ba tsereng mananeo a akaretsa a nyeletso lehuma le a mangwe ka go farologana, le bone motlakase o tla ba direla tiro motlhofo ka jaana didirisiwa dingwe tsa one mananeo a di tlhokana le motlakase go ka dirisiwa. Go sale foo, Rre Sechele o bile gape a supa fa mananeo a tseetswe kwa godimo ko motseng, a re bontsi jwa one bo dira sentle e bile le motlhala wa one o a bonala. politics 7 Barata tikologo ba phepafatsa kgotla ya Talaojane Mokgatlho wa Barata Tikologo Environmental Group kwa Serowe ba ne ba ipha matsapa ka Labotlhano go phepafatsa kgotla ya Talaojane ka tikologo e e leswe e le borai mo botsogong. Mothusa mokwaledi wa mokgatlho, Mme Tshepo Mphoeng a re ba gwetlhilwe ke gore kgotla ya Talaojane e bapile le mmolo. A re ka gore batho ba ralala dijarata tsa kgotla eo, ba tsamaya ba latlhela matlakala gongwe le gongwe mo tikologo e felelang e sa lebege gape go nna borai mo matshelong a bone ka go ka felela go ba tsenya malwetse. Mme Mphoeng a re mokghatlho wa bone, ga se o o dirang dipoelo, ka jalo ba thusiwa ke khansele potlana ya legare ka didirisiwa di tshwana le dipampiri tse di tsenyang matlakala le diatlana. A re ba setse ba phepafaditse dikgotla di akaretsa ya Basimane boo-rra Boiditswe, Mphelane, Malela le Mhapswa. O supa fa go itumedisa gore mokgatlho wa bone o bo o na le banana ba le bantsi. Kgosi Oliver Sebele wa Talaojane o lebogetse tirisano mmogo ya bogosi le morafe mo dikgannyeng tsa go phepafatsa tikologo. A re e setse e le selo modiro gore Labotlhano wa ntlha mo kgweding ke letsatsi la go phepafatsa tikologo le dijarata. Kgosi o supile fa morafe o setse o itse botlhokwa jwa bophepa mo botsogong jwa motho, le go ruta bana fa bophepa e le konokono mo botshelong jwa bone le gore ba tshwanetse go nna phepa ka dinako tsotlhe. Mokhanselara wa Kgosing, Rre Lesego Raditanka o lebogetse Barata Tikologo go supa fa ba tshwenyegile ka tikologo e e sa nnang sentle. BOKHUTLO environment 5 Akabeng o itshetsa ka go suga letlalo Mme Tsholofelo Akabeng, 44, o itshetsa ka go dirisa letlalo go roka dibeke, diphate, mabante, ditlhako le dikgwama. Mme Akabeng yo o direlang kwa kgotleng ya Botshabelo kwa Selebi Phikwe a re o thusitswe ka lenaneo la nyeletso lehuma ka 2016 mme a ya dithutong tsa go roka letlalo kwa Morongwa Institute Of Leather Technologies kwa Gaborone ka a ne a na le kgatlhego le keletso ya go bereka ka letlalo mme a sena kitso. Mme Akabeng a re ba nyeletso lehuma ba ne ba mo rekela didirisiwa di tshwana le bongapa jo bo ngaparisang ditlhako, matlalo, motshine o o rokang le o o kgabisang, tafole e e dirisiwang go sega letlalo le sefetlha motlakase. Mme Akabeng a re matshwenyego a a lebaganeng le o ne ke go reka matlalo kwa Gaborone mme se se mo turela ka go le kgakala gape a sena se se mo rwalelang. Mme Akabeng o ne a supa gore le fa a rutilwe go roka ditlhako, mabante le tse dingwe, go setse go na le tse a setseng a kgona go di dira mme a sa di ela sekoleng di tshwana le go kgabisa ditlhako ka leteisi. A re o dira jaana ka a na le lorato lwa go tshegetsa ngwao ya Setswana. Mme Akabeng a re o setse a tseneletse ditshupo tse di potlana di le mmalwa tse di rutang ka go dirisa di-tsa tlholego mme a setse a dirile dingwe tsa tsone di tshwana le mabante a a kgabisitsweng ka di-tswa temong di tshwana le mabele le mmidi. O ne a tlhalosa fa e rile ka 2017 a tsena ditshupo kwa Selebi Phikwe le Sowa ka go tlhomagana kwa a neng a tsaya maemo a ntlha mo disupiweng di tshwana le ditlhako, phate e e kgabisang, le dikgwama. Mme Akabeng yo o nang le bana ba le bararo mme a sa nyalwa o tlhalositse fa dietsele tse a ntseng a di gapa ka nako ya ditshupo di dirile pharologanyo e ntsi mo botshelong jwa gagwe ka a sa tlhole e le mokopi. A re o setse a kgonne go feleletsa ntlo ya gagwe mme tsholofelo ke gore mo bogaufing a bo a gokela motlakase. Mme Akabeng a re o lebogela lenaneo la nyeletso lehuma ka le setse le ntshitse Batswana ba le bantsi mo leshekereng le ba neng ba tshela ka lone. O ne a kgothatsa ba ba saletseng kwa morago go ikopanya le ba ba maleba gore ba kgone go thusiwa gore le bone ba kgone go oba letsogo. Mme Akabeng o ne a supa fa maitlamo a gagwe e le go bona kgwebo ya gagwe e godile e bile a kgona go thapa Batswana ba bangwe. economy_business_and_finance 3 Living Faith Ministries e lemoga bagodi Kereke ya Living Faith Ministries kwa Mochudi e ne ya kgobokanya bagodi go lemoga botlhokwa jwa bone ka Matlhatso. Fa a bua kwa letsatsing leo, Bishop Michael Gaotloge o ne a supa fa kereke ya bone e sa le e simolodisiwa ka ngwaga wa 2000 mme maikaelelo a bone ke go thusa bagodi le setshaba ka kakaretso ka matlhoki a bone ka go farologana le ka lefoko la Modimo. O tlhalositse fa ba bone go le maleba gore ba kgobokanye bagodi go lemoga mosola wa bone ka go ba apeela dijo tsa motshegare le go ba fa dimpho tse di akaretsang melora e e tlhapang, a supa fa Modimo a rata setshaba sa gagwe mme le batho ba tshwanetse go supa lorato mo go ba bangwe. Bishop Gaotloge o ne a gatelela mafoko ao ka a a mo Baebeleng, a a reng Modimo o ne a tsisa Jesu go tla go swela dibe tsa batho mo lefatsheng a tlatsa ka gore e le kereke, ba bone gore le bone ba supe lerato la bone mo bagoding. O boletse fa kereke ya bone gape e tlhokomela setlhopha sa bolotloa sa baikopanyi sa Makakatlela se a tlhalositseng fa ba se thusa ka ditsompelo tsotlhe tse ba di tlhokang a supa fa ba kopantswe ke lerato la Modimo fela e seng sepe gape. Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa kgaolo ya Bophirima, Rre David Motlhatlhedi o ne a leboga ba kereke eo go bo ba bone go le maleba go lemoga mosola wa bagodi. A re o lemogile fa bagodi ba bolaiwa ke bodutu mme a re se se dirilweng ke kereke eo se molemo fela thata a supa fa go le gantsi bagodi nako ka bontsi ba a bo ba le nosi mo malwapeng. O ne a re kereke eo e supile gore e tlotla bagolo thata a gatelela seo ka mafoko a a mo Baebeleng a a reng bana ba tshwanetse go tlotla batsadi. Mokhanselara Motlhatlhedi o ne a re kereke ke yone botshabelo jwa motho mongwe le mongwe mme o ne a rotloetsa bagodi ba ba neng ba le ko modirong oo gore ba inaakanye le go tsena dikereke. A re lerato la Modimo ga le ke le fela a supa fa le kereke eo gore e dire modiro wa mofuta oo, e ne e gwetlhilwe ke lerato la Modimo. E ne ya re go le pele fa a a bua ka modiro oo, modulasetilo wa komiti ya mautlwelobotlhoko mo kerekeng eo, Mme Otaatla Gaotloge bolela gore e ne ya re ngwaga ono o simolola ba tswa ka mogopolo wa go direla setshaba sengwe fela e le tsela ya go supa lorato. A re ba ne ba tswa ka mogopolo wa go direla bagodi pele a kaya fa ba gwetlhilwe ke go lemoga gore bontsi jwa nako bagodi ga ba ke ba tsewa tsia. O tsweletse a re ba ne ba simolola go kgobokanya madi e le komiti mme le kereke e ne ya thusana le bone. Mme Gaotloge o ne a supa fa ba ikaeletse go tswelela ba dira tiro eo mme ba sa itebaganya le ba ba tsenang kereke ya bone fela a tlatsa ka gore maikaelelo a bone ke go thusa mongwe le mongwe. religion_and_belief 8 Ba Mogonye ba lela ka metsi le ditsela Banni ba Mogonye mo kgaolong ya Borwa ba ngongoregile ka seemo sa metsi, ditsela ga mmogo le motlakase mo motseng wa bone. Banni ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Moshupa e bile e le motshwarelela tona wa thuto le tlhabolololo dikitso, Rre Mokgweetsi Masisi bosheng. Mme Gaolatlhe Binang a re ba sokola thata ka metsi ka ba gelela mo dipompong tse di nosang morafe. Mme Binang a re le tsone dipompo tse ba gelelang mo go tsone tseo, ga di mo seemong se se nametsang e bile ga di phepha. A re ba sale ba kopile go gokelelwa metsi mo malwapeng a bone mme le mo nakong eno kopo ya bone ga e ise e atlege. Monni yo mongwe, Rre Keorapetse Balesamang a re o teilwe gotwe ditsela tse di ralalang motse di tla baakanngwa mme fa go tshelwa karabole, dikoloi tse di e tshelang ga di felele kwa ditsheng tse di kgakala tse bone ba nnang kwa go tsone. Fa a araba matshwenyego a bone, Rre Masisi o ba boleletse gore go atolosiwa ga metsi le motlakase go emetse madi mme o ba solofetsa gore mo nakong e e sa fediseng pelo seemo seo se tla tokafala. Tona Masisi o ne a rolola banni ba Mogonye ka tsa palamente e e sa tswang go wela, a ba lekodisa ka molao wa mesepele ya batho ba ba yang mafatsheng a mangwe Tona o ba boleletse gore molao oo, o fetotswe gore tona ya pereko le selegae ke ene a beye monwana gore fa motho a le botlhabetsi mo lefatsheng la rona, tona ke ene a feleletsang taolo ya gore motho a re tswele ka kgoro. Tona o tsweletse a ba rolela gore molao wa banyalani o tlhofofaditswe gore banyalani ke bone ba ikatlhole ka bo bone gore a ba tlhakanela dithoto kana jang. O tsweletse a ba lekodisa gore le molao wa dikago tse di dirwang mo metseng, go tshwanetse ga bo go dirilwe setshwantsho sa ntlo e e tshwantshitsweng ke moitsaanape wa dikago. Tona a re, seo se direlwa gore go seka ga nna le dikotsi tse dintsi e bile ke tsela ya go babalela itshireletso ya setshaba. Monana yo o neng a tseneletse phuthego eo Rre Laone Bose ene a re, banana ba motse oo ga ba na lebala la metshameko mme bone ba nale dikeletso tsa go tsaya karolo mo metsahamekong yotlhe fela ka bophara jwa yone. Rre Bose o tsweletse a re, o eletsa gore ba direlwe kwa ba ka itlosang bodutu teng e bile a ngongorega gore lefatshe la Mmamotshwane Trust le le tona thata mme ga le sa elwe tlhoko, le tlile go itsa motse wa Mogonye go gola le tsone ditlhabololo go goroga sentle. Mokhanselara wa Manyana/Mogonye, Rre Peter Sithebe, a re o tshwenngwa ke gore motse wa Mogonye o bapile thata le toropo mme motlakase kwa sekolong se se botlana sa Mogonye ga o ise o tsenngwe ntswa kompone ya motlakase e duetswe. Ga a wetsa tona Rre Masisi o gakolotse banni ba Mogonye gore mapolotiki ke bone fela ba nang le tshwanelo ya go bua polotiki ba le nosi mme a ba gakololwa gore ba seka ba polotika mo setshabeng ka go se ka fa molaong, mme motho yo o ka tshwarwang a dirwa jalo o ka tseela dikgato tse di maleba. Bokhutlo politics 7 Ramokgwebana o amogela kgosi ka a mabedi E ne ya re ka Labotlhano Phukwi 24,
banni ba Ramokgwebana ba tshologela kwa kgotleng ya motse oo go amogela Kgosi Mollen Dube jaaka a ne
a tlhongwa mo setilong sa bogosi. Tona Slumber Tsogwane wa
lephata la dikgaolo le tlhabololo magae o ne a akgolela morafe tshisibalo e e aparetseng bogosi jwa motse wa bone, a supa fa go itumedisa go
bona fa kwa go bone go sena dintwa tsa bogosi tse di farafereng metse e mengwe. Rre Tsogwane o ne a tlhalosa gape fa go kgatlha leitlho go
bona kwa motseng oo go na le bagolo ba motse ba ba dirang e le bagakolodi ba ga
kgosi; a bolela fa thulaganyo ya mothale o, e seo mo mafelong a mangwe. Fa a ema Kgosi Dube ka lefoko, tona o ne a mo gwetlha go
lemoga fa e le ene pinagare ya morafe wa gagwe, le go tlhaloganya gape fa a le
matlho a puso mo motseng wa gagwe. Fa a mo lemotsha fa tiro ya bogosi e sa tlhole e le motlhofo
ka jaanong lefatshe le tsamaisiwa ka sepolotiki, Rre Tsogwane o ne a ikuela mo
go ene go tlotla molao le go diragatsa molao wa tsamaiso ya bogosi jaaka o
ntse. O ne a kgwetlha Kgosi Dube go tlhomamisa gore motho mongwe
le mongwe o akola tshiamelo ya gagwe ya molao ntle le go gobelelwa kana go
kgaphelwa ntle. Tona Tsogwane o ne a ikuela mo morafeng wa wa
Ramokgwebana go tlotla kgosi ya bone, a re go dira jalo go tlaa dira gore Kgosi
Dube a nne le seriti le mashetla a go dira tiro ya gagwe ka boineelo le
manontlhotlho a a kwa godimo. Kgosi Eric Moipolai wa Matsiloje yo o neng a tlhoma Kgosi
Dube mo setilong, le ene o ne a ikuela mo morafeng go
tlotla kgosi ya bone. Kgosi Moipolai o ne a supa fa go sa tlotleng kgosi e le go
sa itlotleng ga ope yo o dirang jalo. O ne gape a kopa Kgosi Dube go itshola sentle, a bolela fa
go dira sepe se se fatlhang go tlaa seke go tlontlolole kgosi a le esi mme go
ka apola le morafe seriti sa one. Rangwaneagwe kgosi, Rre Milton Matopote,
o ne a mo gakolola fa thata ya gagwe jaaka kgosi e tswa mo morafeng, ka jalo go
le botlhokwa gore a nne le tlotlo le lerato mo morafeng. Rre Matopote o ne a itsese Kgosi Dube fa go le botlhokwa
gore a nne sekao ka go nna botho, a boa a gatelela mafoko a gagwe. Malomaagwe Kgosi Dube, Rre Pilot Muzila o ne a gatelela
botlhokwa jwa go ikaega ka Modimo mo tirong ya bogosi segolo jang ka e se
botlhe ba ba tlaa mo ratang le go mo ema nokeng. O ne a mo gakolola go tsaa tsia dikgakololo le kaedi ya
bagakolodi ba gagwe, mme a mo tlhagisa go seke a tswelela a dira le ope wa bone
yo e kareng mo tseleng a itshupa fa a le nta ya selomela kobong. Fa a akgela, Kgosi Dube o ne a ikuela mo morafeng wa gagwe
go mo ema nokeng gore a tle a kgone go dira tiro ya gagwe sentle. O ne a ba kopa gore e re a ba biletsa kwa kgotleng ba tle ka
dipalo tse di kwa godimo go tla go abalana megopolo le ene ka ditlhabololo tsa
motse wa bone. Kgosi Dube o ne a kgothatsa banana segolo bogolo go nna ba
tsena ditiro tsa morafe le go tsena diphuthego tsa kgotla gore ba nne le sebaka
se sentle sa go kgona go akola mananeo a a farologanyeng a puso e ba a
tlhametseng. politics 7 Morafe wa Sesung o tlhomamisa kgosi Motoane Banni ba Sesung mo kgaolong ya Letlhakeng e rile Mopitlo a tlola masome a mabedi le borobabongwe ba tlhoma Kgosi Lekang Motoane. Moemela kgosi yo mogolwane kwa Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng o ne a supa fa go le molemo e bile go tsisa boitumelo gore motse o tlhomamise kgosi go sena madiadia, a supa fa go diega ka dinako tse dingwe go tsisa kgotlhang. Kgosi Puleng o tlhalositse fa ba tshwenngwa ke seemo se ka nako tse dingwe bogosi bo felelang bo tshwana le sepolotiki ka se se ka diga bogosi seriti. Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Kgari Sechele III wa Bakwena, o supile fa kgosi Motoane a le lesego ka a tlhongwa rraagwe a santse a tshela a tlaa mo fa dikgakololo ka tiro ya bogosi. O kopile Kgosi Motoane gore a seka a swabisa rraagwe le morafe, a bo a mo kopa go kwala se se buiwang gore a seka a iphitlhela a lebetse fa a bodiwa gore o ne a laiwa go tweng. O mo gakolotse gape fa bagolwane ba gagwe ba le teng go mo thusa, a bo a mo kopa go dira tiro ya gagwe ka botswerere gore bagolwane ba itumele. Kgosikgolo wa Batlokwa ebile e le modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi, Kgosi Puso Gaborone o ne a supa fa bogosi e le pinagare, motheo le botshelo jo Motswana a ikaegileng ka jone. O supile fa kgosi e le mmabatho gape e le letlharapa le le kotangwang ke dinonyane tsotlhe. A re o dumela fa bogosi bo tlhodilwe ke Modimo, ke sone se Baebele e reng ‘tlotlang kgosi, boifang Modimo, a bo a supa fa kgosi e le motlodiwa Modimo. Kgosi Gaborone o tlhalositse fa modi wa botho o thaega kwa kgosing, ka jalo a re fa ope a batla go itse Motswana a lebe kgosi. O kopile morafe wa Sesung go itlotla gore ba kgone go tlotla kgosi ya bone le go mo fa dikgakololo tse di siameng e seng tse di timetsang. Rangwaneagwe kgosi, Rre Nkagisang Tsietso o ne a kopa Kgosi Motoane gore a seka a nna molelo kana tsididi mme a nne fa gare ka se se ka mo thusa mo tirong ya gagwe. O gakolotse Kgosi Motoane gore o tsaya mo go rraagwe yo o tlhabolotseng motse a ne a o fitlhela o sena sepe gotlhelele mme a o kgaratlhela le bogogi jo bo neng bo le teng ka nako eo. Malomaagwe Kgosi Motoane, Rre Friction Leuwe o ne a gakolola kgosi go tsaya dikgakololo mo dikgosaneng mme godimo ga tsotlhe a ikanye ModimoFa a amogela thomo, Kgosi Motoane o ne a supa fa go sena se a ka se buang se se fetang se dibui di se buileng. A re o amogela thomo e bile o ka seke a ba swabise ka e bile a ikantse Modimo. politics 7 Motlalekgosi o itshetsa ka jeme Mme Jane Motlalekgosi wa dingwaga tse di masome matlhano le bobedi kwa Molepolole o tlhalositse fa kgwebo ya gagwe ya dijeme e fetotse botshelo jwa gagwe ka go mo ntsha mo lehumeng. Fa bua mo potsolotsong le O beletse fa a ne a tlelwa ke kakanyo ya go simolola kgwebo e e itebagantseng le go dira dijo tse di ka tsayang lebaka di beilwe mme di sa senyege, mme a bona fa go dira jeme go ka nna motlhofo mo go ene. A re kgwebo ya gagwe e simolotse ya bo ya kwadisiwa semmuso ka 2014 mme e itebagantse le go dira dijeme ka mefuta di akaretsa ya morula, pineapple, tamati and pherefere e a kaileng fa e sa tlwaelesega thata ka e na le tatso e e babang. Mme Motlalekgosi o tlhalositse fa kwebo ya gagwe a e itshimololetse ka madi a gagwe mme a re o ikaelela go batla dithuso tsa madi mo makalaneng a a lebaneng go ka godisa le go atolosa kgwebo ya gagwe le gone go hira batho ba bangwe. A re kgwebo ya gagwe e na le mmaraka mme mathata a a mo lebaneng ke tlhaelo ya madi go ka ipapatsa mo go tseneletseng. O boletse gore le fa go ntse jalo o setse a kopane le mabentlele a matona a le mararo go ka buisana le one go reka dijeme tsa gagwe mme a supa fa ba kaile gore a baakanye dilo dingwe pele. O ne a tlhalosa fa a dirisa ditshupo tsa temo-thuo le tsa leneano le le itebagantseng le go thusa bomme ka tsa kgwebo la gender affairs go ka ithekisa mo Batswaneng, a tlatsa ka go re o tsenelatse dithupo tsa temo-thuo ka go farologana mme a di fenya ka bontsi. Mme Motlalekgosi a re le ntswa makalana a tshwana le la LEA le ba metlobo ya ditso ba Kgosi Sechele I ba leka ka go ba direla ditshupo tsa bagwebi go ipapatsa, go santse go tlhaela, a supa fa bontsi jwa Bakwena ba le bonya go ka lemoga botlhokwa le tiriso ya jeme. O kaile fa nngwe ya dikgwetlho tsa gagwe e le mabotlele a a tsenyang dijeme mo go one, a supa fa a a reka kwa Afrika Borwa, selo se a kaileng fa se mo tisetsa tatlhegelo ka tsela nngwe. A re o reka lebotlele le le nnye ka P8 fa le le tona a le reka P8.95 mme a rekise le le tona P25 fa le le nnye a le rekisa P20. economy_business_and_finance 3 Badiragatsi ba kgothadiwa go itsaa tsiya Badiragatsi ba kgaolo ya botlhophi ya Tati Botlhaba ba rotloeditswe go tsaya tiro ya bone ka tlhwaafalo ka jaana e ka thusa thata mo maitekong a go nyeletsa lehuma. E rile modiri wa lephata la banana, metshameko le ngwao, Rre Caiphus Kopelang a bua kwa dikgaisanong tsa bodiragatsi tse di neng di tshwaretswe kwa Tshesebe ka Matlhatso a gwetlha badiragatsi go lesa go inyatsa mo go se ba se dirang ka go setse go supagetse fa bodiragatsi bo ka kgona go ba tlodisa melatswana e tletse ka bangwe ba bone ba setse ba robile maduo a tiro ya bone. O ba rotloetsa go dira ka natla go ipapatsa, a supa fa ntleng le ipapatso e e mashetla go tla seke go nne bonolo gore ba kgone go bona sebaka sa go rekisa ditirelo tsa bone mo setshabeng. Go sale foo, Rre Kopelang o ikuetse mo badiragatsing ba ba neng ba tseneletse dikgaisano tseo go dirisa madi a ba a boneng ka kelelelo. O supile fa maikaelelo a puso a go simolodisa dikgaisano tseo e ne e le go ba fa sebaka sa go tokafatsa matshelo a bone ka lemme le ba atswiwang ka lone mme go sa tshwanela gore morago ga gore puso e tshele diketekete tsa madi mo dikgaisanong tseo, go bo go sa nne le pharologanyo epe mo matshelong a ba ba nnileng le sebaka sa go tsaya karolo mo go tsone. Rre Kopelang o boletse gape gore ka ntlha ya go nyelela ga dingwao tsa merafe ya lefatshe leno, puso e bone dikgaisano tsa mothale o di ka nna le seabe se segolo mo go fetoleng seemo seo. O tlhalositse fa dikgaisano tse di ruta ka dingwao tsa merafe e e farologaneng di bo di thusa gape le go tsosolosa dikarolwana dingwe tsa dingwao tsa merafe ya mono tse di neng di setse di nyelela. Rre Kopelang o tsweletse a re dikgaisano tseo di botlhokwa gape mo go anamiseng melaetsa e e botlhokwa e e ka sologelang setshaba molemo ke ka moo nako tsotlhe fa di tshwarwa go ntshiwang setlhogo se badiragatsi ba tshwanelwang ke go itebaganya le sone. Ka jalo a re badiragatsi ga ba a tshwanela go inyatsa ka jaana ba nale seabe se se tona mo go gaseng melaetsa le go ruta setshaba. Fa a simolodisa ditiragalo tsa letsatsi semmuso, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mowana, Rre Richard Monthe o tlhalositse fa go le botlhokwa gore bafenyi ba dirise madi a bone ka botlhale, e le tsela ya go supa fa ba itumelela ka fa puso e ba emeng nokeng ka teng. Le fa go ntse jalo, Rre Monthe o supile fa go fatlha gore batsadi ba motse wa Tshesebe le e e mabapi ba bo ba sa tshologela dikgaisano tseo go tla go bona botswerere jwa ba ba neng ba di tseneletse. Mokhanselara wa kgaolwana ya Tshesebe, Rre Smarts Mathonsi o gwetlhile badiragatsi go tsaya ka tlhoafalo dikgakololo tsa baatlhodi, a re se se ka ba thusa thata go tokafatsa tiro ya bone. O kopile ba ba latlhegetsweng go seke ba phuaganya toro ya bone ya go nna badiragatsi ba motia mme a ba rotloetsa go baakanya diphoso tsa bone gore le bone ba kgone go dira botoka mo isagong. Go sale foo, Rre Mathonsi o iteetse legofi bagolo go bo ba tsweletse ka go supa kgatlhego mo dikgaisanong tseo. A re go tsenelela dikgaisano ga bone go tla thusa thata go ngoka banana ba ba ntseng ba goga dinao go intsha kwa morago mme se le bone se ba fe sebaka sa go ka akola maduo a mantle a go tsaya karolo mo dikgaisanong tseo. Rre Mothusi Kwenda ke ene mofenyi wa karolwana ya poko, Tebogo Oladi ene a gapa ya go letsa segaba. Lambani Ntogwa o dule ka tse di tsididi mo go ya go letsa moropa, fa Babaki Matilamba a bontshitse bangwe-ka-ene go se go ntle mo go kgadiepetseng lethale la katara. Khwaere ya Naledi e ne ya itlhoma kwa pele mo karolwaneng ya moopelo le mmino wa dikhwaere mme setlhopha sa mmino wa setso sa Mowana ya nna bommampodi ba mmino wa setapa fa setlhopha sa motshameko wa serala sa Ditiragalo ele sone se fentseng mo karolwaneng ya metshameko. arts_culture_entertainment_and_media 0 Dithulaganyo tsa madi di dia paakanyo ya dikoloi Tona wa dipalamo le ditlhaelatsanyo, Rre Nonofo Molefhi a re maphata mangwe a puso a ikitshitse mo goreng ba baakanyediwe dikoloi ke lephata la CTO ka ba re le diega go di baakanya mme ba lebala go rulaganya ka tsa madi mo jaanong go ba beileng ka fa mosing. Fa a bua mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa mo metseng eo beke eno, Tona Molefhi a re maphata ba dirile phoso e tona thata mo jaanong dikoloi tsa bone ka bontsi di emeng fela di sa baakanngwe, e bile di sa dirisiwe gope ka jalo go paledisa bodiredi go dira ka manontlhotlho go thusa setshaba. Banni ba Werda le Tsabong ba ne ba ngongorega ba re ba ne ba akanya fa CTO e ithotse ditiro ka gore dikokelo, sepodisi le maphatha a mangwe ga a na dikoloi tse ba di dirisang mme Batswana ba sokola fela thata ka go isetswa ditirelo. Tona Molefhi o boletse fa maphata ba ne ba nyatsa CTO ba bolela fa e sa kgone e bile ba batla gore ba ikisetse dikoloi kwa mabaakanyetsong a a ikemetseng ka nosi ka gore a botoka a dira ka natla e bile a bofefo, mme ba lebala go rulaganya ka tsa madi. Le fa go ntse jalo, tona o boletse fa dipuisano le ba lephata la madi le maphata a mangwe di tsweletse gore go himiwe seemo se se teng go tswelela, ka gore jaanong se tswa mo taolong, ba akanya gore maphata a thusiwe le mororo ba sena madi. O boletse fa kgwedi eno e ya fifing sengwe se tla bo se dirilwe. Mo go tse dingwe, Tona Molefhi o boletse fa ba tsile go gagamatsa melao ya go tlhoka go obamela matshwao a tsela, a tlhalosa fa go tsile go nna le motshine o o tla bong o nkgisiwa dikoloi gore ga di ntshe mosi oo leswafatsang loapi e bile o koafatsa batho. O boletse fa go tla tshwarwa ba dikoloi tsa bone di ntseng jalo mme ba laolelwe gore ba di baakanye ka potlako. A re dipula ga di sa tlhole di gosomana ka tlwaelo ka ntata ya kotlelesego ya loapi. Tona Molefhi o boletse fa go tla a nna le molao o o tlamang dipalamo tsa setshaba tsotlhe go nna le matlwana a boitiketso mo go tsone, e bile go tla bo go sa letlelelwe go nna le batho ba ba emang ka dinao mo dibeseng. O tsweletse a bolela fa go tla tseelwa diteseletso bora ditaxi le dicombi bangwe ba ba sa iseng bapalami kwa malwapeng a bone jaaka go tshwanetse ga dirwa. Rre Molefhi o tlhalositse fa tsela ya Kokotsha/Tsabong e tla tlhabololwa ngwaga o o tlang wa madi mme mo nakong eno go tla a thibiwa diphatlha fela ka puso e santse e tlhaelelwa ke madi. O boletse fa bontsi ja ditsela mo lefatsheng leno bo sentswe ke dipula ka jalo di batla go baakanngwe. Tona Molefhi o ba boleletse fa maranyane a masha a internet a tla tsena mo lefatsheng leno gore ditirelo di nne bofefo, go sena mo gotweng system e kwa tlase. A re go tla epelwa mogala o motona wa ditlhaelatsano go tswa Namibia o feta ka Sekoma mme mogala mongwe o tla faposiwa kwa Sekoma go ya Tsabong. Kwa Tsabong gone , mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre John Toto o ngongoregile ka ditsela tsa bone fela thata, o supile fa lebala la difofane la koo le tshwanetse la tlhabololwa go nna mo seemong se badirela puso le bajanala ba ka le dirisang go fokotsa ditshenyegelo tse di dirwang ke dikoloi. O kopile gore banni bangwe mo tseleng ya Tsabong/Bokspits ba ba thubetsweng fa go dirwa tsela eo, ba atswiwe ka sengwe, a tlatsa ka gore bangwe matlo a bone a ranyegile fa bangwe metsi a olagana ka matlo. Rre Toto o boletse fa diposo di emeditswe ditiro mo go dirang gore bagodi ba tlhole mo meleng ba letetse go thusiwa, jalo a kopa gore ba thusiwe ka bodiredi.BOKHUTLO. politics 7 Tsela ya A3 e batla go potlakelwa Makhanselara a legare a kopa gore tsela ya A3 e baakanngwe ka e le mo seemong se se sa itumediseng. Fa ba akgela mo puong ya modulasetilo bosheng, ba boletse fa tsela eo e tletse dikhuti e bile e baka dikotsi. Mokhanselara wa Nshakazhogwe, Rre Wabuya Chebani a re go botlhokwa gore tsela eo e tsibogelwe ka e le yone e bajanala ba ba yang kwa mafelong a tshwana le Okavango ba e dirisang. A re tsela eo e itlhokomolositswe ka e sale e dirwa ka dingwaga tsa bo 1976 mme e ise e baakanngwe, a tlatsa ka go re seemo sa yone se bifetse pele ka e senngwa gape ke dipula. A re mo nakong e e fetileng go kile ga ntshiwa lekoko le le neng la ya kwa go tona yo o neng a lebagane le ditsela Rre Kitso Mokaila, mme a solofetsa fa madi a a tlaa dirang tsela eo a le teng mme e tlaa dirwa, jaanong nako kgolo ke eno. O ne a kopa modulasetilo go ba thusa kgang eo gore tsela eo e dirwe ka ponyo ya leitlho. Mo go tse dingwe, Rre Chebani o ne a akgola modulasetilo a bolela fa puo ya gagwe e nonne e bile e tlhokana le kemo nokeng ya botlhe gore a kgone go dira maikaelelo a gagwe. Mokhanselara wa Mathangwane, Rre Samora Gabaake o ne a supa fa bontsi jwa matlhabelo mo kgaolong ya legare a le mo seemong se se sa itumediseng mme a tlhokana le go tsibogelwa ka go tlhajwa dikgomo di le palo e e sa nametseng ka jalo khansele e latlhegelwa. O ne a ntsha mogopolo wa gore go lejwe tse di ka dirang madi jaaka go rekisa motlhaba mme tiro eo e ka dirwa ke dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse. A re mo nakong eno bangwe ba bagwebi ba tsaya motlhaba mo metseng ntleng le dituelo dipe mme dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di ka bona gore di ka dira jang go ba duedisa. Fa a bua ka lenaneo la banana la YDF, o ne a supa fa go supega fa dikgwebo tsa banana dingwe di sa tswelele mme go tlhokana le ditlhotlhomiso tse di tseneletseng go bona gore mathata ke eng gore a tsibogelwe. Fela jaaka Rre Chebani, Rre Gabaake o ne a supa fa tsela ya A3 e tlhokana le go tsibogelwa ka e le nngwe ya ditsela tse di fedileng boleng e bile e na le seabe se sentsi mo itsholelong ya lefatshe leno. Mokhanselara wa Kumaga/Moreomaoto, Rre Thomas Kgethenyana o ne a ntsha mogopolo wa gore lefatshe leno le tswe mo lekgotleng la CITES go itebaganya le kgang ya ditlou tse di apesitseng lefatshe leno kobo ka letshoba. A re lefatshe fa le ka tswa mo lekgotleng la CITES le ka nna le sebaka sa go boela. Rre Kgethenyana o ne gape a supa fa madi a ditlhabololo a dikgaolo go lebilwe one fela mo makhanselara ba felelang ba sa tlhaloganye gore ditlhabololo tse ba neng ba di solofeditswe tsa mananeo a tshwana le a National Development Plan di santse di le teng ka go sa buiwe ka tsone. politics 7 Banni ba kopiwa go tlhoafalela thuto ya bana Mopalamente wa Gaborone Borwa, Rre Kagiso Molatlhegi a re o tshwentswe thata ke maduo a dikole aa sa nametseng. Rre Molatlhegi o kopile banni ba kgaolwana ya Naledi, ba Naledi borwa, legare le bokone go tlhwaafalela thuto ya bana. A re se se kgobang marapo ke go re go santse go na le bana ba sekole ba ba kgonang go tlhola mo mebileng ka nako ya sekole. “Bana ke bokamoso jwa rona e bile ke baeteledipele ba rona, jaanong fa re sa ba gakolole re a itatlha,” a tlhalosa. O kopile komiti ya ditlhabologo ya motse (VDC) le ya twantsho borukutlhi go tshwaraganela dikgwetlho di akaretsang go nwa bojwala le tiriso ya diritibatsi, a bo a ba tlama go ruta le go tseela batsadi ba ba ikgatholosang tlhokomelo ya bana ba bone. “Ke tshwenyegile ke tiriso ya bojalwa mo batsading. Se ke go tlhoka boikarabelo, e bile go rotloetsa mekgwa e e maswe mo baneng,” Rre Molatlhegi a tlhalosa. Rre Molatlhegi o kopile batsadi go lwantsha tiriso ya diritibatsi a re di tsisa mekgwa ee sa siamang jaaka borukhutlhi, go thuba malwapa le one malwetsi tota. Fa a tlhalosa ka kwadiso ya ditsha e e sa tswang go tswalelwa, o kgalemile go re ope yo o a sa kwadisang setsha, a se ka a ya go kopa kwa ofising ya gagwe go letlelelwe go kwadisa. Rre Molatlhegi o tlhaloseditse banni fa go tlaa nna le madi a ditiro tsa morafe a a tlhabololang mo metseng, a morafe o ka a dirisetsang ditlhabololo tse ba di batlang. “Puso e tlaa ntsha P570 million Moranang a rogwa, mme kgaolo nngwe le nngwe e tlaa fiwa P10 million,” a tlhalosa. A re banni ba Naledi ba sego ka madi ao a tla ditlhabololo tsa kgaolwana ya bone di setse di dirilwe ka bontsi, ka jalo go na le kgonagalo ya go re ba ka a dirisa go dira ditiro tse di ka direlang kgaolwana ya bone letseno, a tlatsa ka go re ba tshwanetse go kopana go akantshana se se ka dirwang ka madi ao. Rre Molatlhegi o ne a kopa megolopo mo dikganyeng tse di amang lephata la tsa boagedi, mesepele le bong, a supa fa go tlaa sekasekwa molao kakanyetsa oo letlelelang, kgotsa o tokafatsa go re go nne motlhofo go re bagwebi ba ka fiwa boagedi jwa sennela ruri fa ba tlhama dikgwebo le go beeletsa mo Botswana. Are paakanyo e nngwe ya molao kakanyetso e tlaa nna e e letlelelang Batswana ba ba boneng boagedi jwa sennela ruri kwa mafatsheng a mangwe ka ntlha ya tiro kgotsa nyalo, go tswelela ba tshegeditse boagedi jwa bone jwa Botswana. Fa a tlhalosa, Rre Molatlhegi o supile fa molao wa gompieno o sa letle gore fa Motswana a ka bona boagedi kwa mafatsheng a sele a tswelele a tshegeditse jwa Botswana. Kgosi ya Naledi, Rre Anold Somolekae a re go a itumedisa go re kgotla ya gagwe e gatetse pele go gaisa dikgotla tsotle kwa Gaborone ka go sekisa ditsheko ka bontsi. Kgosi Somolekae o kopile mopalamente go re ba thusiwe ka bodiredi, a ka ba na le letlhoko la bakwaledi. “Kgotla ya rona e tshwara dikgetsi tsa Old Naledi le Borakanelo Police Station mme go supafala gore fa re ka nna le mokwaledi yo mongwe go ka nna le maduo a a nametsang,” a supa. Kgosi o supile matshwenyego ka pabalesego ya batho ba ba nnang go bapa le letamo la Gaborone, a a re o tshwenngwa ke pabalesego ya bone mo dirukhutlhing le mo dipuleng. ENDS education 4 Matlotla a rotloetsa borukutlhi Matlotla ke sengwe sa dilo tse gantsi di rotloetsang borukhuthi e bile di baya matshelo a batho mo kotsing le go leswafatsa tikologo. Mo potsolotsong le BOPA, mogolwane wa sepodisi kwa Mochudi, Supt Olebile Sitale o netefaditse fa go kile ga nna le borukutlhi jo bo diragala mo matlotleng a a fitlhelwang kwa kgaolong ya Kgatleng. Supt Sitale a re ba kwadisitse dikgang di le dintsi tsa go itseela dikobo ka dikgokale tse dingwe tse ba fitlhetseng go fitlhilwe dithoto tsa bogodu mo go one. O thalositse fa mo gongwe ba fitlhela batho ba ba tseneng mo lefatsheng ka bokukuntshwane ba ntshitse matlotla bonno jwa bone. Mothusa mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha kwa Kgatleng, Rre Diteko Paki o kaile fa dipalo tsa matlotla mo Kgatleng di tshwenya. Rre Paki a re matlotla ka bontsi ga a kwadisiwa e bile go batla beng ke kgwetlho. O kaile fa gantsi matlotla ao e le a boswa, a re nako tse dingwe go fitlhelwa a lwelwa, ka jalo go sa dumalanwa gore go sale mang mo lwapeng mme go felele go tlogetswe fela go fitlhelela go onala. A re matlotla a mangwe ke a batho ba ba sa leng ba ya go bereka kwa mafatsheng a sele, bogolo jang kwa Aferika Borwa. “Batho ba ba saleng ba tlogela malwapa go thata go itomaganya le bone. Re lekile go ba batla, re dirisa metswedi ya dikgang, re buisa diphuthego tsa dikgotla le maphatana a rona a kabo ditsha mo kgaolong a gasa molaetsa oo mme ga go nko e tswang lemina,” Rre Paki a tlhalosa. Rre Paki a re lenaneo la LAPCAS ke lone le ba lemotshitseng matlotla a a mo Kgatleng e bile ba itse kwa a teng le dipalo tsa one. O tlhalosa fa matlotla a farologana; go na le a bogologolo le a bosheng, go na le a dikgwebo, a masimo le a bonno. Rre Paki o tlhalositse fa ba kgona go tseela batho ba ba tlogelang matlotla dikgato. A re fa lefatshe le sa dirisiwe le ka boela lekgotla la kabo ditsha mme ba le abele baikopedi ba bangwe. A re ba setse ba kile ba tsaya ditsha tse di sa tlhabololwang, a tlhalosa fa go agelela setsha, go tsenya metsi le go aga ntlwana ya boithomelo e se go tlhabolola. O ne a kaya fa go aga ntlo ya borobalo e le gone go tlhabolola setsha. Rre Paki o supile fa ba sena dipuisanyo dipe mo ditsheng tsa kgwebo tse di abilweng mme di sa tlhabololwe. A re ba di gapa mo lebakeng la ngwaga go ya go tse pedi mme a re sa bonno sone ba se gapa morago ga dingwaga tse tlhano mme fela ba kgona go sekasekela motho ba bo ba mo fa sebaka sa go tlhabolola. Le fa go ntse jalo, o ne a gatelela fa lekgotla le rotloetsa batho go tlhabolola ditsha ka mananeo a puso a tshwana la SHHA le a mangwe go itsa go gapiwa. O rotloeditse setshaba go tlhabolola magae, a re go dira jalo go ka tlhabolola tebego ya lefatshe, le go fokotsa borukutlhi jo bo diragalang mo ditsheng tse di sa tlhabololwang kgotsa tse di tlogetsweng go fitlhela di nna matlotla. O ne gape a rotloetsa ba ba sa kwadisang ditsha go di kwadisa, a re go kwadisiwa ditsha tsotlhe di akaretsa tsa masimo, dikgwebo le tsa bonno. Rre Paki o gateletse botlhokwa jwa go aba boswa ka nako go itsa ketsaetsego le dintwa fa batsadi ba sena go tlhokafala, a tlatsa ka go re bana le bone ba tlhokomele malwapa a batsadi mo khularong ya bone. Mme Lydia Segwati wa Mochudi, o kaile fa matlotla a a mo tikologong ya bone a le dingwaga di feta masome a mane le botlhano a le teng, a tlatsa ka go re a rotloetssa botlhokatsebe jwa bana. Mme Segwati o tlhalositse fa a oka dirukutlhi go beela dithoto tsa bogodu mme le bana ba gogela motokwane mo go one. A re matlotla ao a oka thaka e tshesane go tswa kwa dikgotleng tse dingwe mme ba dire dilo tse di duleng mo tseleng mo go one, selo se a reng ga se ba jese diwelang ka ba sa phuthologe go dira ditiro tsa bone ba tshaba magodu. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Rotary Club e abela sekolo Mokgatlho wa Rotary club o abetse bana ba sekolo se segolwane sa Mmadinare melora le didirisiwa tse dingwe tsa go tlhapa tse di lopileng dikete tse tlhano. Mogokgo wa sekolo se, Rre Sechaba Oabile a re o amogela thuso e ba e filweng ka seo e le kgatelopele le go diragatsa maitlamo a tebelopele ya 2016 ya chaba e e lorato e bile e le kutlwelo botlhoko. O ne gape a re ba mokgatlho wa Rotary Club ba lemogile botlhoki jwa bone, e bile o dumela fa ba tla a dira go feta fa ka ba dirile botsalano le go itlama go thusa sekolo, mme seo se tla fetisa setshaba golo gongwe. O ne a gakolola baithuti go dirisa dimpho tse ka kelelelo go fema letshwenyego la letlhoko. Mogolwane go tswa mo lephateng la thuto mo kgaolong ya Selebi Phikwe-Bobirwa Rre Kenneth Mogapi a re se se dirilweng ke ba Rotary Club ke se segolo ka puso e lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya madi. O ne gape a re ke tshimologo ya tse dikgolo ka mokgatlho o ikaeletse go dirisana le bone go ya pele mme seo ke maikaelelo le maikemisetso a batho ba le kutlwelo botlhoko. Leloko la mokgatlho oo, Mme Sarah Hughes, a re seabe sa bone se segolo ke go dira tiro ya bopelotlhomogi e bile ga se tiro e e motlhofo ka ba lebane le kgwetlho ya go kgobokanya madi go thusa ba ba thokang thuso, mme seo se kgonagala fela fa motho kana batho ba na le maikaelelo. O ne a tlhalosa gore gore ba na le mananeo a ba dirang jaaka go jesa bana ko Botshabelo go lwantsha tlhaelo ya dikotla le go abela bana ba ba dirileng sentle mo dithutong. Fa a ntsha la gagwe morutabana wa tsa bokaedi le bogadikolodi, Mme Diana Tshambane, a re o itumeletse thuso e o ka selo se se molemo mo botshelong ke go nna se o leng sone gore botlhoki ja gago bo kgone go lemogile. O ne a re ka sekolo sa bone se na le bana ba dikgaolo tse di kgakala le ditlamelo mme bontsi jwa bone batla ba sena le fa e le molora kana e tlhaele setlha se ntse se tsweletse mme seo se ketefalele baithuti go tlhokomela dithuto tsa bone. O ne a tswelela a re tlhaelo ya didirisiwa tse e ne e mo tsenya mo kgatelelong ya go kopa babereki ka ene didiriwa tseo mme monongwaga e nnile o o pharologanyo ka ba amogetse dithuso go tswa mo batsaa karolo. society 9 Mananeo a ka thusa go tokafatsa itsholelo Mananeo a nyeletso lehuma a ka thusa go tokafatsa itsholelo mo malwapeng a mantsi fa a dirisiwa ka fa tshwanelong. Monana mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bongwe wa Mathangwane, Mme Ipeleng Zibani ke mongwe wa ba ba dumelang fa mananeo a a ka ba isa golo gongwe mo botshelong. Mo potsolotsong bosheng, Mme Zibani o ne a tlhalosa fa e ne ya re ka ngwaga wa 2011 a ya go ikwadisetsa lenaneo la dipodi (LIMID) ka a ne a sa bereke. Mme Zibani o ne a bolela fa selo sengwe gape se se neng sa mo gwetlha gore a ikopele dipodi tse e ne ya nna go bona bangwe ba di filwe mme le ene a nna le keletso ya se ka gape e ne e ntse e le motho yo o ratang leruo. O tsweletse ka go bolela fa a ne a tlala boitumelo fela thata ka a ne a fiwa dipodi di le lesome le boraro ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Phatwe mme a itse fa se jaanong se tlaa tsisa pharologanyo mo botshelong jwa gagwe le ba lwapa la gagwe mo isagong ka a tlaa rekisa fa di sena go oketsega. O bile a supa fa a ne a fiwa thuso e ka thelelo go sena dikgoreletsi dipe. Mme Zibani a re e ne ya re a sena go fiwa dipodi, tse tharo di ne tsa tlhaselwa ke bolwetse mme tsa felela di sule. O ne a tlhalosa fa mo nakong eno di setse di le lesome le boraro gape ka dingwe di ne tsa tsala. O supile gape fa jaanong nako dingwe go felela go sena fa dipodi di ka fulang teng ka phulo e tshubilwe ke letsatsi mo a felelang a di rekela moroko gore di seka tsa bolawa ke tlala. Fa a tswelela, Mme Zibani o ne a gwetlha batho gore ba se ka ba nyatsa mananeo a nyeletso lehuma ka a ka tsoga a ba thusa mo botshelong, ka Setswana se re mpha mpha o a lapisa motho o kgonwa ke sa gagwe. Mme yo o ne a tlatsa ka go supa fa batho ba tshwanetse go itirela go na le go nna ba kopetse ruri a re e bile go ka ba thusa le gore ba nne le seriti. Monna wa ga Mme Zibani e bong Rre Kagiso Zibani, le ene o ne a tlhalosa fa a ne a ema mosadi wa gagwe nokeng ka nako e a neng a ikopela dipodi tse ka a ne a itse fa di ne di tlaa ba thusa mo lwapeng ka ba sa bereke botlhe. economy_business_and_finance 3 Ba kopilwe go sola bokgola molemo Balemi ba kgaolo ya Kgalagadi Borwa ba gwetlhilwe go sola molemo bokgola jwa pula e e neleng bosheng le go lema ka ditselana gore ba akole thobo e e botoka. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, rabalemisi wa kgaolo eo Rre Suberee Kapeko a tlhalosa fa bokgola jwa pula e e neleng bosheng bo lekane gore balemi ba ka lema. Rre Kapeko o tlhalositse fa kgaolo ya Kgalagadi e tlhorontshiwa thata ke pula e e boutsana ka jalo balemi ba patelesega gore ba leme pula e santse e solofetsa gore ba kgone go bona thobo e e botoka. O tsweletse ka go gwetlha balemi go lema ka ditselana, a bolela fa go dira jalo go ka ba thusa go ntsha thobo e ntle fela thata. O tlhalositse fa go lema ka ditselana go thusa go tokafatsa tlhokomelo ya dijalo, mme e bile go nna motlhofo mo moleming go dira ditiro tsa mo tshimong jaaka go tlhagola le gone go kganela diji tota. Rre Kapeko o tlhalositse gape gore go lema ka ditselana go thusa thata mo thobong ka gore go tlhofofatsa go dirisiwa ga didirisiwa tsa temo mme thobo e nne bofefo. O kaile gape fa balemi ba tshwanetse go lema ka ditselana gore ba kgone go bona dithuso tsa lenaneo la ISPAAD. Rre Kapeko o kopile balemi go ikgolaganya le lephata la temo gore ba abelwe dipeo le menontshane, a tlhalosa fa lephata le setse le simolotse go di aba mme go lebega balemi ba goga maoto go ya go tsaya dithuso tsa go nna jalo. A re le fa ntswa go nale tlhaelo ya diterekere, ga ba a tshwanela go nyema moko mme ba tshwanetse go dirisa digogi tse dingwe jaaka ditonki go simolodisa le go tsweledisa tiro ya bone ya go lema. Rre Kapeko o kopile balemi gore ba leme dijalo tse di bogadi bogaufi e bile di sa tlhoke metsi a mantsi gape di kgona go emelana le mogote o montsi wa kgaolo. Rre Kapeko o galaleditse balemi ba kgaolo eo fela thata ka a re ba pelotelele mo temong e bile ba ikiteile sehuba go emelana le dikgwetlho tsa temo. A re ba dira ka natla go lwantshana le seemo sa kgaolo ka jalo ba etela lephata la temo kgapetsakgapetsa go anywa botsipa jwa go se fenya. A re kgaolo eo e aperwe ke tlhaelo ya didirisiwa tsa temo jaaka diterekere le tse dingwe, mme balemi ga ba ipone tsapa go ya tshimong ba ya go lema ka bonyennyane jwa didirisiwa jo bo leng teng. O boletse fa selo se e le maiteko a mantle go tswa mo letlhakoreng la balemi mme ba tshwanetse go akgolwa fela thata. economy_business_and_finance 3 Kgosi Koontse o tla a bolokelwa kwa Mmaphashalala Kgosi ya pele ya motse wa Mmaphashalala Rre Khumo Koontse yo o tlogetseng tiro ka bogodi ka 1970, go bolelwa a tlhokafetse kgwedi eno e tlhola malatsi ale mabedi morago ga go lwala ka lobaka. Kgosi Koontse yo a tlogelang mohumagadi le bana ba le lesome le motso mo go bone gole banna ba supa le basadi ba le bane o bolokwa gompieno kwa Mmaphashalala. Go ya ka ngwana wa moswi, Rre Oboletswe Koontse, moswi a tsholetswe kwa Mmaphashalala ka 1928 mme a dira dithuto tse dipotlana kwa Mookane kwa e rileng a tswa teng a ya go feleletsa dithuto tsa gagwe kwa sekoleng se sebotlana sa Khama Memorial kwa Serowe. Kgosi Koontse o tlhomilwe kgosana ya motse wa Mmaphashalala ka 1968 go tlhatlhama rraagwe eleng Rre Koontse Mpedi yo le ene a sa tlholeng a le mo botshelong. Fa dikgang di eme jalo, dipego tse di tswang mo go ba bogosi ba Mahalapye di bolela fa kgosana ya pele ya kgotla ya Konyana Rre Keikitse Dipatane le ene a tlhokafetse maabane mo kokelong ya Mahalapye. Kgosi Dipatane yo o tsholetsweng kwa Serowe ka 1922 o tlogetse bogosana jwa kgotlana ya Konyana ka 2007 ntateng ya go tshwenyega mo botsogong. Ka nako ya kgang e e kwalwa, dithulaganyo tsa phitlho di ne di ise di rulaganngwe ka ba losika ba ise ba kopane. BOKHUTLO society 9 Mojanala o direla Bonatla keresemose Baithuti ba sekole se sebotlana sa Bonatla ba eleng dikhutsana ba ne ba tletse ka boitumelo morago ga gore mme mongwe wa mojanala go tswa kwa America a ba abele P10 000 gore ba dirilwe moletlo wa keresemose. Bogogi jwa sekole seo bo ne jwa direla baithuti bao moletlo kwa Maduo Lodge kwa ban eng ba ja dijo tsa motshegare teng. E ne ya re a tlhalosa ka mpho eo, mogokgo wa sekole, Mme Dorcus Sethoko a tlhalosa fa a ne a kopana le mme ebong Mme Patricia Cairns yoo yo o neng a patilwe monna wa gagwe ga mmogo le mogolwe kwa sekoleng sa Gxhabara jaaka ba ne ba abela baithuti didirisiwa tsa thuto jaaka dibuka, laptops le tse dingwe. Boora Cairns ba e neng e le bajanala kwa makgobokgobong a Okavango ba ne itlhophela go simoldisa botsala le sekole sa Gxhabara. Mme Sethoko a re o ne a kopa Mme Cairns gore bas eke ba leba ntlha e lengwefela mme ba amogela kopo ya gagwe ka jaana e ne ya re go boeleng ko America ba tsweledisa go buisanya ka maranyane. A re mo puisanyong ya bone o ne a kopiwa go romela maina otlhe a bana ba dikhutsana mo sekoleng mme ya re ngwaga o ya fifing ba romelelwa mpho ya madi gore ba ipelele malatsi a botsalo wa morena. E ne ya a ama baithuti ka lefoko, Mme Sethoko a ba kgothatsa go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo a supa bokamoso jwa bone bo le mo diatleng tsa bone. A re ke bone ba itseng se ba eletsang go nna sone fa ba fetsa sekole mme seo ba ka se fitlhelela fela fa ba ka dira sentle mo dithutong tsa bone. O tsweletse a ba tlhalosetsa fa go latlhegelwa ke batsadi go sa reye gore botshelo bo fedile ka jaana ba ka fetola diemo tsa bona gore ba tshele botshelo job a bo eletsang. Mme Sethoko o ba kgothaditse go tsena dikereke gore ba ithute go lefoko la Modimo ka le rotloetsa botshelo jo bo siamang. A re ba ikgaphe mo ditirong tse di ka ba senyetsang bokamoso. Mogolwane wa boipelego Mme Masego Galeemelwe o ne a gwetlha baithuti bao go nna motlhotlho ka matshelo a bone a supa fa bangwe ba tswa mo malwapeng a itsholelo e leng tlase mme a ba rotloetsa go amogela seemo. A re ga ba tshwanelwa go tsenwa ke mowa wa boitlhobogo mme se se botlhokwa ke go ipetlela tsela nako e sale teng. O tsweletse a re ba lebogile lorato le tlhokomelo e ba e fiwang ke ba batlhokomedi ba bone. BOKHUTLO society 9 Komiti ya Gakuto e gatetse pele E re ka go twe mokoduwe go tsosiwa o o itekang, komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Gakuto mo Kweneng, e dirile fela jalo, ka e simolotse go ikemela ka dinao go dira ditlhabololo mo motseng go imolola puso morwalo. Mo potsolotsong le A re go le gantsi, ba kopa madi mo dikomponeng go ka dira ditlhabololo tseo, a tlatsa ka go re ba atle ba ithuse ka madi a a mo letloleng la komiti. Mme Ramphala a re mo nakong eno, ba na le setsha sa maemelo a dipalamo tsa setshaba, se ba ikaelelelang go se tlhabolola monongwaga, a supa fa ba setse ba lekodisitse morafe ka maikaelelo a bone. A re mo go tlhabololeng maemelo a dipalamo, ba ya go dirisa madi a ditlhabololo tsa dikgaolo a ngwaga wa 2017/18. Ka one madi ao, a re ba ya go teratelela setsha seo, ba bo ba aga matlwana a boitiketso a segompieno gammogo le go duela moagi. Mo mading ao, ba ya go aga gape ntlo ya LA2, e ba tlaa e hirisang gore e ba tsenyetse madi. Mo mading a ditlhabololo a ngwaga wa 2018/19, ba ya go gokela motlakase le go tsenya dipone mo maemelong ao, gammogo le go tsenya marekisetso a dikgwebo tse dipotlana le go ala ditena gore go lebege sentle. O tladitse ka gore ba setse ba weditse go aga ntlo ya LA2, a kaya fa ba santse ba tsweletse ka go aga e nngwe. Fa godimo ga moo, Mme Ramphala o supile fa ba tsweletse ka go supa mowa wa kutlwelobotlhoko, wa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. O ne a tlhalosa fa ba sa tswa go tsenyetsa motlhoki mongwe terata le go mo agela ntlo, ntlwana ya boitiketso le go mo direla tshingwana ya merogo. O supa fa ba ne ba thusiwa ke banka ya Barclays. society 9 Ba Nhabe ba lemela kgwebo Balemi ba kgaolo ya Nhabe ba tsere dikgakololo tsa go lemela kgwebo le mororo dipula di le boutsana kwa kgaolong eo. Seo se tlhalositswe ke moanamisa mafoko wa lephata la temo-thuo kwa kgaolong ya Nhabe, Rre Bautule Kealatotse bosheng. Rre Kealatotse a re thobo e e botoka e bonwa kwa dikgaolong tsa Gumare kwa dipula di leng botoka teng. A re dikgaolo tsa Okavango le Ngamiland tsone gantsi di bona pula e e kwa tlase ebile thobo ya teng e se kalokalo. Rre Kealatotse a re o bona gore lebaka le lengwe le le dirang gore batho ba tie moko, ke ka go bo thekiso ya kgomo mo kgaolong e e le boutsana ka ntlha ya bolwetse jwa tlhako le molomo. E re le mororo balemi ba rekisa thobo ya bone mo ditseleng le mo bathong ba ba sa lemang, lephata la temo-thuo le lone ga le ipone tsapa go tswa balemi thuso ka teraka e e tsayang thobo go e isa kwa marekisetsong a Botswana Agricultural Marketing Board kwa Maun. Molemi mongwe wa masimo a Dikgatlhong, Mme Keeme Rebaone, a re go lemela kgwebo go mo thusitse fela thata. O gakolotse balemi ba bangwe go inaakanya le mofuta oo wa temo. economy_business_and_finance 3 Monna o tlhokafetse mo kotsing Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di fa gare ga masome mabedi le bosupa le masome a mararo, yo a fitlhetsweng a tlhokafetse morago ga gore koloi e a neng a e kgweetsa e pitokologe. Mo potsolotsong le BOPA, mogolwane wa mapodisi a Tutume, Superintendent Jerry Halahala a re koloi eo ya modiro wa Honda Fit, e e neng e na le bapagami ba le bane ba borre, go balelwa le mokgweetsi, e ne ya thula tshipi ya ba ya menoga fa tsela ya Matobo e kopanang teng le ya Tutume-Francistown. Supt Halahala a re tiragalo eo, e diragetse bosigo jwa Matlhatso, mme ba fitlhetse rre yoo le mongwe wa bapalami ba le ka fa tlase ga yone ka dintho tse di masisi mo ditlhogong. O tlhalositse fa bapalami ba ne ba ragosediwa kwa kokelong ya Tutume kwa mokgweetsi le mopagami yo mongwe ba neng ba fetisediwa kwa Nyangabgwe. Ba sepatela ba ne ba tlhomamisa fa mokgweetsi a tlhokafetse, fa yo mongwe a sa ntse a robaditswe. Ba bangwe ba babedi ba ne ba alafiwa ba bo ba gololwa ka lone letsatsi leo kwa Tutume. Setopo se kwa Nyangabgwe go tlhatlhojwa ke dingaka. Mo tiragalo e nngwe, Supt. Halahala a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa Zimbabwe a fitlhetsweng a rapaletse mo bodibeng jwa madi ka dintho tse di masisi mo mmeleng, go lebega a ka tswa a tlhabilwe ka sengwe se se bogale. O boletse fa ba begetswe tiragalo eo ke mohiri wa monna yoo ka Matlhatso bosigo, mme ba ragosetsa monna yoo kwa kokelong ya Tutume kwa go tlhomamisitsweng fa a tlhokafetse teng. O tlhalositse fa mmelaelwa mo tiragalo eo le ene a tswa Zimbabwe, mme ba santse ba mo tshegeditse go ba thusa mo ditlhotlhomisong. Setopo se kwa kokelong ya Tutume go tlhatlhojwa ke dingaka le go batlisiwa masika. Supt. Halahala a re ke gantsi ba ikuela mo setshabeng go tlogela mokgwa wa go hira batswakwa ba ba senang dipampiri, mme molaetsa o batho ga ba o tseye tsia. A re mme ba tlaa gagamaletsa badiramolato setoropo. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Dithuto di thusa go fokotsa borukutlhi Mapodisi a kgaolo ya District No. 2 a abetse batsaya-karolo mo thuto puisanyong ya twantsho borukutlhi le kgokgontsho ba le lekgolo le masome a le mabedi ditlankana. Fa a aba ditlankana tseo kwa Serowe bosheng, modulasetilo wa lekgotla la baruti kwa motseng oo bosheng, Bishop Morategi Selapa o boletse fa dithuto tsa mofuta o, di simolotswe ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Sedimonthole morago ga gore mapodisi a supe fa a tshwenngwa ke botlhoka tsebe jo bo diragalang kwa kgotleng ya Mosenya. Dithuto tseo di ne tsa tswa mosola ka e rile morago ga tsone, borukutlhi jwa fokotsega. Bishop Selapa a re o na le tshepo ya gore fa dikereke di ka ba ema nokeng, borukutlhi bo ka fokotsega.A re kgaolo ya sepodisi ya District No. 2, e e akaretsang Serowe le metse e e mabapi e na le dipalo tse di kwa godimo tsa petelelo le go bolaana ga baratani, mme fa dithuto tse di ka anama, dikgang tse e ka nna selo sa maloba. Rre Phenyo Moalusi, yo o kileng a bo a dira e le lepodisi, o ne a leboga komiti ya Botshabelo jwa Sechaba Multi Sectoral tiro e tona e e dirang, a tlhalosa fa ba na le nako e khutshwanyane ba tlhamile mokgathlo wa bone, mme se ba se dirang se a bonala. O ne a kopa ba ba abetsweng ditlankana go ya go tsweledisa se ba se rutilweng. crime_law_and_justice 1 Moremogolo go betlwa wa taola Ya re a sena go bona fa ga gagwe e le mo go gotweng motho o a bo a latswitswe ke tlhware, Mme Nkhabenyana Molosi, wa dingwaga tse di masome marataro le boraro yo o neng a bonwe molato wa polao ya motho a iphutha metlhala. Mme Molosi o ne a sa tswa go kiba dingwaga di ka nna supa kwa kgolegelong ya Serowe. Go gololweng ga ga gagwe a ya gae kwa Mahalapye, a itumile molomo wa tlase go leka go inaakanya le balekane ba gagwe ba ba neng ba setse ba gatetse pele ka tsa matshelo. Mo potsolosong, Mme Molosi o ne a tlhalosa fa botshelo kwa kgolegelong bo ne bo le bosula a tlatsa ka gore o ne a utlwisiwa botlhoko ke gore o ne a patelesega go kgaogana le bana ba gagwe ba ba neng ba santse ba le bannye. Lebaka le a le ntseng kwa kgolegoleng o ne a bolela fa a ile a ithuta tiro ya diatla, e mo bogompienong a itshetsang ka yone le bana ba gagwe. Mme Molosi a re o ithutetse go roka le go loga didirisiwa ka mehuta di akaretsa dihutshe, dipache, ditlatlana le tse dingwe. “Ke santse ke direla mo lwapeng ka ga ke ise ke nne le madi a go ka hirisa lefelo la madirelo” o tlhalosa jaana. A re keletso ya gagwe ke go bona kgwebo ya gagwe e godile e bile a na le kwa a ka rekisetsang teng. Ka a sa le mogwebi yo mmotlana o tlhalosa fa a rekisa dithoto tsa gagwe ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase, go tswa fela gore se a se dirileng se bogolo bo kae. E ne ya re a bua ka bomme, a re go le gantsi ke bone ba ba lebanweng ke dikgwetlho tsa go godisa bana ba le nosi, a tlatsa ka go gakolola bomme jaaka ene go ikgapha mo go tse di ka ba tsenyang ka kgoro ya kgolegelo. Le fa ene a sa nyalwa a re o dumela fa lenyalo e le selo se se botlhokwa, mme o kgala mogopolo wa batho bangwe ba ba santseng ba nna fela mmogo ba sa nyalana a re se se baka dikgotlhang mo malwapeng fa mongwe wa baratani a tlhokafala. O ne a tlatsa ka gore dintwa le dipolaano tsa baratani le tsone di ne di ka fokotsega, “Nna re ne re lwela mokapelo ka go tlhoka lesego motho yo ke neng ke lwa nae a latlhegelwa ke botshelo” a bua jaana, le fa seo se setse se diragetse le molato a o seketse Mme Molosi o kaile fa a le maswabi ka tiragalo eo e e setseng e fetile. Le fa go ntse jalo Mme Molosi a re o leboga setshaba go bo se ile sa mo amogela sentle ka nako e a neng fa a boa kwa kgolegelong, mme a kaya fa a fetogetse mekgwa ele ya gagwe ya pele jaanonong e le motho yo o lorato mo bathong. O buile a re go tsweng ga gagwe kwa kgolegelong a utlwalela ka mananeo a puso a go thusa Batswana ka dithuso dipe tse ba ka tswang ba di tlhoka, mme ga a ka a tlhola a re kamoso, a bofa ditlhako a ya go ikwadisa. A re mo nakong ya gompieno o kgonne go thusiwa ka dipodi dile nne tsa lenaneo la nyeletso lehuma tse a reng o a di thlokomela fela thata a re o dumela fa di ka tsoga di mmoloka le ba lelwapa la gagwe. crime_law_and_justice 1 Sepelong o ikemetse ka dinao Rre Matlhogonolo Sepelong ke monana yo o inaakantseng le dikgwebo ka go farologana e le tsela ya go tlhabolola botshelo jwa gagwe. Rre Sepelong yo o dingwaga tse di masome a mararo le bone ke molemi-morui, morekisi e bile o rwalela batho dithoto. E rile ka ngwaga wa 2007 a sena go fetsa mophato wa botlhano, o ne a tshwaratshwara kwa marekisetsong a nama a batsadi ba gagwe. O ne a simolola go ikokoanyetsa madi gore a kgone go ipereka. “Ke ne ke batla go ikemela ka bonosi, ke nne le dikgwebo tsa me.” Rre Sepelong o tlhalositse mo potsolotsong gore o ne a atlega ka go ikokoanyetsa madi mme a reka dikoko, dikgaka le dipidipidi. “ Ke simolotse ke reka diruiwa ka bongwe ka bongwe.” Ka ngwaga wa 2011, monana yo o ne a bula marekisetso a gagwe a nama (Four Barrell Butchery) kwa kgotleng ya Mabumahibidu mo Bobonong. Go thubiwa kgapetsa-kgapetsa ga marekisetso ke magodu, ga mo tlama gore a a tswale. Rre Sepelong o tlhalosa fa dikoko tsa nama a di rekisetsa lebentlele la Choppies mo Bobonong le metse e e mabapi. E ne ya re ka ngwaga wa 2014, monana yo, yo o tlholegang mo Bobonong a tlelwa ke leano la go rua dikolobe. “ Ke ne ke batla go rua sengwe se se pharologano mo bananeng ba bangwe” E ntse e le ka 2014, Rre Sepelong o ne a bula semausu (Four Barell Tuckshop) go tlatsa mo dikgwebong tsa gagwe. Godimo ga moo, monana yo, o rwalela batho dithoto go tswa mo mafelong a a farologaneng. Rre Matlhogonolo Sepelong o tlhalosa fa diruiwa tsa gagwe di tshela ka dijwalo tse a di lemang kwa masimong a gagwe. Fela jaaka balemi-barui ka bontsi, Rre Sepelong o lela ka leuba le le mo jesetsang mo kgobedung. Monana yo o tlhalosa fa a na le keletso ya go bula madirelo a a jesetsang diruiwa tsa gagwe teng (feedlot) mme a solofela fa mananeo a ga goromente a ka mo tswa thuso. Rre Sepelong o buile fa dikgwebo tse, di le bokete ebile le boroko a sa bo bone. Lerato la gagwe mo temo-thuong ke lone le le dirang gore a bereke ka thata ebile a tshware ka natla. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Banana ba kopilwe go tshepa Modimo Banana ba kgothaditswe go ikgethela go direla Modimo ka malatsi otlhe a botshelo jwa bone go bona ditshegofatso le gore ba kgone go aga boitsholo jwa bone. Fa a simolodisa semmuso bokopano jwa banana jwa ngwaga le ngwaga kwa kerekeng ya Revelation Blessed Peace Church of Botswana ka Matlhatso, mothusa molaodi wa toropo ya Lobatse, Rre Ernest Phiri a re go tlhoka tsebe ga banana go a tshwenya ka jalo, go botlhokwa gore banana ba godisediwe mo kerekeng, ka jaana go ka thusa thata go aga boitsholo jo bo lolameng le go ba fa tshedimosetso ya go itse pharologanyo ya bolemo le bosula,a iteela kobo moroko ka mafoko a a reng “poifo ya Modimo ke tshimologo ya botlhale”. O ne a ba kgothatsa go ikanya Modimo mo go tse tsotlhe ba di eletsang go di dira go tokafatsa matshelo a bone, a tlatsa ka gore ba tshwanetse go rorisa Modimo ka metlha yotlhe, go ka tswa go le botlhoko kana go le monate. O ne a ba kgothatsa go nna le tumelo e e nonofileng ka se se ka thusa go godisa serodumo sa kereke gore e nne le sekao mo setshabeng ka kakaretso. Rre Phiri o tsweletse ka go kgothatsa banana go amogana maele ka dithuto tsa sedumedi le bankabone gore ba kgone go fetola maitsholo a bone go na le bogakolodi bo bo nonofileng. O ne gape a gwetlha banana go ikgapha mo ditirong tse di sa eletsegeng jaaka go ikamanya le go nwa majalwa le go dirisa diribatsi, a tlhalosa fa di sa age motho, di koafatsa seriti sa gagwe. Rre Phiri o ne a tlhalosa fa ditiro tsotlhe tse di sa amogelesegeng mo setshabebeng di ka aperelwa ke ditlhokwa fela fa banana ba ka ineela mo Modimong. O ne a tswelela ka go kgothatsa dikereke go dira ka natla mo go ageng lefatshe leno gore le tswelele go rena kagiso le thokgamo. O ne a kopa boeteledipele jwa kereke go nonotsha banana mo go ba feng maele a go itirela botshelo ka se se ka thusang go fema seemo sa tlhaelo ya ditiro mo bananeng ka jaana ba ka kgona go itlhamela dikgwebo gammogo le tlhamela bankabone diphatlha tsa mebereko ka se se ka imolola goromente morwalo. O ne a tlatsa ka gore banana gammogo le batsadi banne le mowa wa go a ba ka jaana gatwe “go sego letsogo le le abang” a tlhalosa fa se se ka thusa go fetola matshelo a bangwe ba ba tlhokileng lesego mo botshelong go nna mo seemong se se eletsegang. O kopile komiti ya banana go tla ka methale ya go tshwana le ditlhopha tsa metshameko, dikhwaere le metshamekone e farologanyeng ya itloso bodutu go di dirisa go fetisa melaetsa ya go fetola boitsholo kwa bananeng ba bangwe. O ne a kgothatsa batsadi le bone go nna sekao mo baneng ba bone, a tlatsa ka gore ba tshwanetse go ruta bana molao o o tsepameng gore ba tsoge e le babusi ba ba nang le boikarabelo. Fa a tswa la gagwe, Mookamedi Mogolo Rre Tshwaranang Kepaletswe o gakolotse banana go lebagana le dikgwetlho tsa botshelo ka maatlametlo segolo bogolo ba inaakantse le lefoko la Modimo. O ne a gwetlha banana go tlhopha baeteledipele ba ba nang le bokgoni le boikarabelo ka ba ka thusa go godisa serodumo sa tsamaiso ya kereke go ya isagong. Rre Kepaletswe o ne a kgothatsa maloko a kereke go direla Modimo ka pelo tse di phuthologileng ka se se ka thusa go fema makgwere a ba ka kopanang le one mo botshelong le gone go tsamaya ba rera lefoko la Modimo mo setshabeng go jwala peo ya go nna le kitso. Mo go tse dingwe, o ne a ba akgolela tiro e ntle ya go fetola selebego sa bukana ya bone ya “lebega dikgang”ntswa go ne go na le makgwere a madi go ka gatisiwa go nna mo seemong se se kgatlhang leitlho ka jalo a kgothatsa maloko a kereke go reka bukana e go thusa gore e tle maiteko a bone a go e tokafatsa a atlege. Bokopano jo bo ne bo tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng “Go dirisa bomolemo jame go fetola matshelo a ba bangwe”” society 9 Ba Tshwaane ba kopa motlakase Batho ba Tshwaane mo Kweneng ba kopile puso go tsibogela kgokelo ya motlakase kwa motsaneng wa bone gore le bone ba kgone go inaakanya le ditiro tse di ka ba tokafaletsang botshelo. E rile ba bua mo phuthegong e buisiwa ke Tautona Lt. Gen Seretse Khama Ian Khama bosheng, banni gammogo le Kgosi Othusitse Sengawane ba re motlakase o botlhokwa thata mo go tlhabololeng matshelo a bone, mme ba tlatsa ka gore go lobaka ba ntse ba supa botlhokwa jwa kgokelo ya motlakase mo motsaneng oo mme go se nko e tswang lemina e bile go sena tekodiso ka se se ka tswang se baka tiego eo. Le fa gontse jalo Rre Sengawane o lebogetse thulaganyo ya puso ya go tlhabolola metse ya magae, jaaka fa a ne a supa gore Tshwaane ke mongwe wa metse e e tsweletseng ka go amogela ditlamelo tse maikaelelo magolo a tsone e leng go tokafaletsa banni seemo sa botshelo. Dingwe tsa dikgang tsa banni ke bothata jwa go tlhatlaganya ditsha, mo go kgoreletsang maiteko a go tlhabolola ditsha ka bonako. Mo loetong lwa gagwe, Tautona o tsweletse ka thulaganyo ya gangwe le gape ya go aba jaaka a ne a abela Kgosi Sengawane setilo le ditilo tse dingwe di le masome mabedi tse di tlaa dirisiwang mo kgotleng le dibaebele di le nne tse a laetseng gore di ye go abelwa ba ba tlaa dirang thulaganyo ya go agela batho mo tseleng ya bo Modimo. E rile a tsibogela kgang ya motlakase, tona wa dipalamo le ditlhaeletsano Rre Nonofo Molefhi a supa fa thulaganyo e tsweletse go leka go tsibogela bothata jwa motlakase kwa Tshwaane le metse e mengwe ya sebopego seo. A re lenaneo la kgokelo ya motlakase le ntse le kgoreleditswe ke bothata jwa tlhaelo ya madi ka puso e ne e itebagantse thata le go wediwa ga go agwa ga pitsa ya motlakase kwa Morupule B, ka tsholofelo ya go lwantshwa seemo sa tlhaelo ya motlakase mo lefatsheng leno. O tsweletse a re metse e ka tshwara lekgolo e tla gokelwa motlakase pele ga thulaganyo ya lenaneo la ditogamaano la ditlhabololo la bo lesome le wela. Tona Dr. John Seakgosing o ne a ikuela mo badirela pusong go tshwaraganela ditlamelo go fokotsa matshwenyego a tlhaelo mo metseng ya bone. O ne gape a tlhalosetsa banni ba Tshwaane fa lephata la gagwe le na le thulaganyo ya nama o sa tshwere ya motlakase wa letsatsi le tiriso ya gase go dira gore dikokelwana di tsweledise go ntsha ditirelo ntle le sekgoreletsi. BOKHUTLO politics 7 Boitshwaro ga bo jese kgosana diwelang Kgosana ya tetlanyo ya kgotla ya Selolwane kwa Tutume, Kgosi Alphonse Nsala a re ga a jesiwe diwelang ke boitshwaro jwa banana ba kgotla eo. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Nsala o supile fa bontsi jwa banana ba kgotla ya gagwe ba inaakantse le go nwa majalwa phetelela le gone go supa boitshwaro jo bo sa amogelesegeng mo setshabeng. O kgadile a sa kgwe mathe go nwa bojalwa phetelela, ka a re bo rotloetsa ditiro tse di duleng mo tseleng jaaka bogodu le dipolaano. A re banana ba tshwanetse go inaakanya le mananeo a puso a a ka ba thusang go fetola matshelo a bone le gone go nna le seabe go tokafatsa itsholelo ya lefatshe leno. Kgosi Nsala a re puso e atlolotse letsogo ka go tsisa mananeo a a farologanyeng a tshwana le a fang banana madi go itshimololela dikgwebo le lenaneo la go boela sekolong. A re go mo maruding a bone go bona gore tsela pedi ba tsaya efe, mme gape o ne a supa fa a sa itumedisiwe ke mokgwa wa banana wa go tlhoka go tsenelela diphuthego tsa kgotla. O supile fa banana ba tshwanetse go itse fa diphuthego tsa kgotla e le tsone tse di gorosang melaetsa ya mananeo a puso le ditlhabololo tsa motse kwa go bone. Kgosi o tsweletse ka go supa fa go ima ga bana ba dikole go tsweletse ka go golela pele le ntswa baoki ba tsweletse ka go ruta ka bodiphatsa jwa go ima ga bana ba dingwaga tse di kwa tlase. O bile a kgala batsadi ba ba ikgogelang kwa morago go itsese mapodise ka dikgang tsa tiriso ya bana makgwakgwa ba ba dingwaga tse di kwa tlase mo go tsa tlhakanelo dikobo. A re go itshupile fa bangwe batsadi mo dikgotlaneng tse di welang ka fa tlase ga kgotla ya gagwe ba rotloetsa bana go inyadisa ba gabile gore ba tla nna le dipoelo mo manyalong ao. O ne gape a supa a sa itumedisiwe ke bangwe Batswana ba ba tsweletseng ka go nna le batswakwa ntswa ba sena teseletso ya go nna mo lefatsheng leno. O supile fa batswakwa bao ba felela ba inaakantse le bogudu jo bo akaretsang go thujwa ga matlo, mabenkele le gone go senya kwa masimong le kwa merakeng. Bokhutlo society 9 Balemi bangwe ba sia le phane Go a tshwenya go bona balemi ba santse ba kgona go phuaganya masimo ba ya phaneng. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, mothusa kgosi ya Tumasera, Kgosi Gaborapelwe Baitswi a re balemi ba ba santseng ba na le mogopolo oo ba tshwanetse go otlhaiwa ka ba folodisa maiteko a puso a go tokafatsa maduo a temo le ntswa ele yone botshelo jwa Motswana. Kgosi Baitswi o tsweletse ka go supa fa motse wa bone e le mongwe wa e e gaufi le mafelo a go bapalwang phane mo go one ke ka moo dikgang tse di ama motse wa bone fela thata. O gakolotse banni gore e re fa ba ntse ba bapala phane jaana ba gakologelwe melao yotlhe e e tlhomilweng ka fa tlase ga go gweba ka yone. Kgosi Baitswi o supile gape gore go bapala phane go na le ditlamorago tse di sa siamang di akaretsa go timela ga batho ba ba e bapalang, jalo a rotloetsa babapadi ba phane go ikela tlhoko mo seemong se se tshwanang le se. Mme Balathilwe Mothobi wa motse wa Seleka o tlhalositse fa e le molemi e bile e le mmapadi wa phane mme a re le ntswa a rata go bapala phane jaana o tlhaloganya gore temo ke yone konokono. Mme Mothobi o boletse gore ga a ke a phuaganya masimo a bo a sia le phane. A re o dira tse di tlhokegang kwa temong e bo e re morago ke gone a itse go tsena fa gare ga setlhare sa mophane. Mme Mothobi o kopile babapadi ba phane gore ba itse gore phane ke selo sa nakwana se se sa tshwanelang go ba lebatsa selo sa sennela ruri jaaka temo. A re go botoka go tlogela masimo le mongwe yo o tshephagalang go na le go a tlogelela leruo gore le a senye. O akgola puso go bo e tsweletse ka go ba fa dithuso mo temong. society 9 Baruti ba kopiwa go rotloetsa boikgapo Baruti ba kopilwe go rotloetsa boikgapo mo dikerekeng gore kanamo ya HIV/AIDS e fokotsege mo lefatsheng leno Mo tshimolodisong ya go rapelela bolwetse ja HIV/AIDS kwa kgotleng kgolo ya Letlhakane, Moaposetolo Bakani Kelebantse wa kereke ya Amazing Grace for all Nations o kgadile baruti bangwe ba ba sa kgalemeleng diphuthego tsa bone fa ba dira dilo tse di duleng mo tseleng ya Modimo ka ba tshaba gore diphuthego di tla phatlalala. A re setlhogo sa mono ngwaga se se reng ‘Mebele ya rona ke tempele ya Modimo, re ema kgatlhanong le go tsenwa ke mogare wa HIV’ , se tlhamaletse e bile se gwetlha mongwe le mongwe go emisa kanamo ya mogare oo. O tlhalositse gore setlhogo se se supa fa batho ba tshwanetse go tlhokomela mebele ya bone ka nako tsotlhe le go tiisa go rapela go feta ka fa ba ntseng ba dira ka teng. Rre Kelebantse a re dikereke di tshwanetse tsa supa seabe sa tsone mo go rotloetseng setho se se amogelesegang go thusa go fokotsa kanamo ya mogare gonne Modimo ga a batle batho ba ba dirang mekgwa e e maswe. O kopile baruti go rapelela bolwetse jwa HIV/AIDS nako tsotlhe ka jaana ka fa mogare o o anamang ka teng mo lefatsheng leno, puso e a go felela e tlhaelelwa ke madi a go thusa mongwe le mongwe ka diritibatsi mahala , go bo go raya gore batho ba ituelele dithuso tseo. Moaposetolo Kelebantse a re mathata a a ka rarabololwa fela fa dikereke di ka aga baphuthegi gore ba fetole boitshwaro jwa bone gammogo le go rera boikgapo mo dikerekeng gore merapelo ya batho e tle e utlwale. Kgosi wa motse wa Letlhakane, Rre Baruntshi Kegapetswe o kgadile dikereke a bolela fa di na le dipharologano tse di di kgoreletsang go nna selo sele sengwe di akaretsa tumelo, maikutlo le madi mme a di kopa go tshwaragana gore di kgone go bua ka lentswe le le lengwe fela. A re gole gantsi fa ba bitsa dikereke go tla mo ditirong tsa mofuta o, ga di tle ka dipalo tse di bonalang ntswa dikereke tse di kwadisitsweng mo motseng oo di le dintsi thata ,selo se a reng se ba tshwentse thata ele bogogi ja motse. E rile a tlhalosa maikaelelo a letsatsi, mothusa morulaganyi wa HIV/AIDS wa kgaolo ya Boteti, Rre Thuso Ernest a re tshimolodiso ya merapelo e e tshwarwang ngwaga le ngwaga ka Lwetse ke segopotso sa ba ba tlogetseng lefatshe le le ka kwano ka ntata ya bolwetse jwa HIV/AIDS le ba ba amegileng ka go go tshuba dikerese. Rre Ernest a re merapelo e e simolodisiwang ke dikereke le ba-na-le seabe botlhe e bulela merapelo e e tshwarwang mo maphateng le mo dikerekeng, jalo a kopa maphata go dirisana sentle le baruti fa ba tsile go rapela kwa maphateng a bone. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Dikole di tsosolosa ngwao Dikole tse di tlwaelesegileng gore ke tsa di sekgoa (English medium) di ikaelela go rotloetsa ngwao. E rile a bua kwa moletlong wa go ipelela ngwao o rulagantswe ke ba sekole se botlana sa Little Souls English Medium kwa Shoshong bosheng , mogokgo wa sone Mme Cathrine Abonne a re le bone ba batla go ruta bana ka tsa ngwao. Mme Abonne o kopile batsadi go tshwaragana le barutabana go tsosolosa ngwao go sa kgathalesege gore ba na ba tsena dikole kae. A re ngwao ke selo se se botlhokwa mo botshelong jwa ngwana ka e ruta botho, maitseo ga mmogo le dilo fela tse dintsi tse ngwana a tshwanetseng go di itse a sale monnye. O ne a tlhalosa fa Little Souls e batla go phimola dikgang le dikakanyo tsa gore dikole tse di ikemetseng ka nosi di remeletse mo go ruteng bana dipuo tsa seeng le dilo tsa sesha, Mme Abonne a re e re e le lantlha ba tshwara moletlo mo sekoleng sa bone, ba ikaelela go nna ba o tshwara ngwaga le ngwaga mme a kopa thotloetso mo botsading le setshaba ka kakaretso, gore ba rute bana ka ngwao ya bone e ba sa eletseng fa e ka latlhega. Mogolwane wa tsa metshameko le tsa ngwao, go tswa kwa sekoleng se sebotlana sa Ngakayagae Rre Moses Dikoloti, o boletse fa go tshegetsa ngwao e le sengwe se se botlhokwa fela thata Rre Dikoloti a re bana ba ithuta dilo tse dintsi di akaretsa metshameko,dijo,kapari le one mmino wa setso mo e leng gone ngwao ya bone. A re bana ba gorogela mo dilong tsa sesha mo go felelang go baka gore ba dumele fa e le tsone dingwao tsa bone, o boletse fa ba gola fela ba sa itse sepe ka dingwao tsa bone mme se se felele se ba ya ngwana ka fa mosing ka e nna e kete o ikgatholosa ngwao ya ga bone mme ntswa go sa nna jalo ngwana yo a sa itse. O kopile badiri ba meletlo ya tsa ngwao go nna kelotlhoko fa ba dira meletlo ya ngwao ba ele tlhoko tse ba di dirisang gore a ke tse di tshwanetseng letsatsi leo kana jang. Rre Dikoloti o ne gape a a kgothatsa gore gantsi fa go dirilwe moletlo o wa go tsosolosa ngwao dilo bontsi tse di dirisiwamg o fitlhela e le dilo tsa sesha, dilo di tshwana le ditilo diaparo le tse dingwe. O boletse fa go tshwanetse gore fa e le letsatsi la ngwao go nniwe mo ditilong tsa dikgole dipora gammogo le tse dingwe go supa to ta ka tlhwafalo gore fa re re ngwao ya rona e ntse jang go bo go supiwa gone tota mo go tshwanetseng. A re le ene ke mongwe wa ba ba eletsang go bona banana ba tshwere ngwao ya bone ka natla ka seo se ka tila go nyelela ga ngwao ya rona mme le bana ba ba tlaa latelang ba tlaa ithuta mo go ba bangwe. Motsadi Mme Tiny Basimanyana yo a neng a ithaopile go tlhabela bana mainane a re le ene ke mongwe wa ba ba eletsang go tsenya letsogo mo go ruteng bana ngwao ke sone se a boneng go le botoka go tla go tlhola le bone ka letsatsi le a ba tlhabela mainane. arts_culture_entertainment_and_media 0 Kgosi Masedi o bolokilwe Banni ba Tonota ba bolokile Kgosi Obona Masedi ka Matlhatso. E ne e rile ka Labone mo tshokologong, banni ba phuthaganela kwa kgotleng kgolo ya motse oo go gopola Kgosi Masedi. Kgosi Masedi, yo go neng ga bolelwa fa a tlhagogetswe ke bolwetse jwa nakwana, o ne a direla mo kgotleng e tona ya Tonota a le kwa tlase ga ga Kgosi Ramosenyi Radipitse. E rile a bua le morafe o o neng o tshologetse kwa kgotleng eo ka dipalo tse di kwa godimo, Kgosi Goitsheka Hetanang a tlhalosa fa Kgosi Masedi a ne a mo ruta tiro ka manontlhotlho gape a sa mo felele pelo. Kgosi Hetanang a re go tlhokafala ga ga Kgosi Masedi ke tatlhegelo e tona mo go bone e le dikgosi le mo morafeng ka kakaretso. O ne a tlatsa ka gore Kgosi Masedi o ne a le mo dikomiting tsa motse tse di farologaneng go akaretsa le ya go ipelela dingwaga tse di lekgolo tsa motse oo. Kgosi Hetanang a re Kgosi Masedi e ne e le mongwe wa batsaya karolo mo go agiweng ga kgotla le go bulwa ga yone. A re o ne a le boikanyo mo tirong ebile a rata kagiso mme gape e ne e le moeteledipele wa mephato gape e le mogakolodi wa tlhwatlhwa. E rile a ntsha la gagwe mopalamente wa kgaolo ya Tonota Borwa Rre Pono Moatlhodi a tlhalosa fa a ne a itse Kgosi Masedi jaaka motsadi wa gagwe. A re Kgosi Masedi o ne a dira tiro e ntle fela thata fa mephato e simologa mme o ne a tswelela a tlhalosa fa e ne e le motho yo o matlhagatlhaga mo ditirong tsa motse, a tlatsa ka gore o ne a na le tirisanyo mmogo e e kwa godimo le morafe. O ne a tswelela a re kgosi Masedi e ne e le motho yo o sa rateng lefufa mme e le morongwa yo mogolo wa ga Kgosi Radipitse. Rre Masedi, yo o neng a emetse ba lolwapa o tlhalositse fa kgosi e ne e le motho yo o lorato ebile a le pelotlhomogi. BOKHUTLO society 9 Gotsena sekole kgakala le ditlamelo ga se sekgoreletsi Banni ba Lesenepole ba paletswe ke go ntsha leina la yo o ka nnang kgosi ya motse oo morago ga gore o tlhomamisiwe ka fa malaong go nna motse. Lesenepole ke motse o o agilweng ka dikgotlana tsa tetlanyo di le nne, ebong Matoposana, Raphiri, Moremi le Lesenepole tse tsotlhe dikgosana tsa teng di leng mo maemong a le mangwe, mme go supega go tlhokega gore go nne le kgosi ya maemo a magolwane e e ka okamelang dikgotlana tse. Seo se ne sa pateletsa gore e re morago ga go tlhomamisiwa ga motse, magosi go tswa kwa Serowe ba ikopanye le banni ba motse gore ba ntshe leina la yo ba bonang a ka etelela motse pele. Ba lekalana la dikgotla tsa Setswana go tswa Serowe ka fa tlase ga lephata la puso selegae, ba emetswe ke mothusa kgosi wa ga Mmangwato, Kgosi Serogola Seretse ba ne ba kopane kwa Lesenepole bosheng go ya go kopa leina la yo o ka nnang kgosi, go imolola kgosi wa Maunatlala, Kgosi Phoophoo Mapena yo o ntseng a tlhokometse motse oo. Kgosi Seretse o ne a supa fa a tla ka thomo, go tla go tsaya leina la yo ba eletsang a ka nna kgosi. O ne a tlhalosa fa a ya go tlhoka leina le le lengwe le a ka le tsayang go ya go rurifadiwa morago ga ditshekatsheko tse di tlaa dirwang ke ba lephata la gagwe. O ne a re phatlha ya bogosi e nngwe fela, mme e bile ka tsamaiso ya tsetlana ya tsamaiso ya bogosi e letla gore go ka ntshiwa leina ke beng ba motse ba le mo seemong se ba neng ba le mo go sone mo kgotleng. Kgosi o ne a kopa gore go dirwe seo ka neelano, lerato, tlotlano le go nna seopo sengwe. Rre Dithonamo Motsamai e le mogolwane wa motse, o ne a tlhalosa fa ba ne ba kopanela morero le morafe wa Lesenepole jaaka bogosi jwa ga Mmamangwato bo ne bo kopile, mme morafe wa tswa ka maina a le mabedi a dikgosana tsa tetlanyo, ebong Rre Ikalaheng Senwedi le Rre Kgosiemang Kebuamotse. Bobedi joo, ke dikgosana tsa tetlanyo, Rre Senwedi o tswa kwa Moremi fa Rre Kebuamotse e le wa Lesenepole. Morafe o ne wa fiwa sebaka go itebagnaya le kgang e ba e beilweng pele, mme kgang ya phagela mongwe le mongwe yo o emang a supa ka fa ditso di ntseng ka teng le gore ke mang yo bogosi bo mo tshwanelang ka mabaka afe. Bangwe ba ne ba ntsha leina la ga Kgosana Senwedi fa ba bangwe ba ne ba re Kgosana Kebuamotse. Mabaka mangwe e ne e le gore Rre Senwedi o tswa kgakala a wa a tsoga le bone ba sena kgosi, fa bangwe ba ne ba re Rre Kebuamotse ka e le ngwana wa lesika la bogosi jwa Lesenepole. Rre Chepete Chepete o ne a supa fa motse wa bone o sa robalelwa ke ditlhokwa, mme a batla go itse gore ka fa tsamaisong ya bogosi go dikarolo tse pedi, kgosi e ka nna ya letsalo kana ya tlhopho, mme fa go welwa mo tsamaisong ya tlhopho go tlaa re batho ba fiwe sebaka go itlhokoletsa tlhopho. O ne a latelwa ke Dr Pipedi Tshekiso yo o neng a tlhalosa fa bogosi jwa motse wa bone e le jwa matsalo, mme a wela ka go re kgosi ke kgosi ka morafe, go latelwe tsamaiso ka kgololesego, boammaaruri le go direla dilo mo pepeneneng kwa ntle ga go soka dirope. Mothusa mokwaledi wa lephata, Rre Duke Masilo o ne a supa fa ba utlule mme e bile ba tlhaloganya dikgang tsa motse wa Lesenepole mme a re mo maineng a mabedi a a ntshitsweng, morongwa e bong Kgosi Seretse o tlaa ya go a bega. A re mo lefatsheng leno sengwe le sengwe se dirwa go setswe molao morago. Kgosi Seretse o ne a re o tlaa busetse kgang kwa go ba ba mo rumileng. BOKHUTLO society 9 Segotsi o kopela magosana dithata Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye o kopile puso gore e sekaseke molao wa go fa magosana a tetlanyo dithata tsa go ka atlhola batho ka go ba kgwathisa. Kgosi Segotsi o buile mafoko a kwa moletlong wa pulo ya leobo la kgotla ya White City, e agilwe ke komiti ya ditlhabololo tsa motse le morafe wa Botalathoma kwa Mahalapye bosheng. A re borukutlhi bo ile kwa godimo mo e bileng banana ka bontsi ba sa tlhole ba tlotla dikgotla. Kgosi o ne a tlhalosa gore borukutlhi, go tlhoka maitseo le go amoga batsadi ditsabone go ile magoletsa, mme a kopa gore ka go na le magosana a tetlanyo mo dikgotleng a ba ka se fiwe dithata tsa go kgwathisa bao ba ba tlhokang botho kgotsa ba utswa. A re gongwe se, se ka fokotsa botlhoka tsebe jo bontsi ka jaanong fa go buiwa fela ka melomo banana ba go nna jalo ba sa utlwe, e bile fa bangwe ba setse ba nyatsa dithata tsa go letlanngwa. Kgosi Segotsi a re se gape gongwe se ka fokotsa le one mosuke wa ditsheko kwa makgotleng a mangwe a ditsheko. Mo go tse dingwe o ne a leboga go menagane maiteko a komiti ya kgotla eo le morafe ka kakaretso go bo o bone go le botlhokwa go ikagela leobo la kgotla le ka lone ba ka tsenelang diphuthego mo go lone. A re se ba se dirileng ke go tsosolosa mowa wa boithaopo o o rotloediwang fela thata mo lefatsheng le mo setshabeng. O ne a tlhalosa gore mowa wa boithaopo le wa boipelego ke yone e dirileng lefatshe le se le leng sone, ka jalo a ba leboga. Kgosi Segotsi a re go mo maruding a baeteledipele ba setshaba go bona gore ba rotloetsa mowa o fela thata, go anama le lefatshe. E rile a mo kgwa dikgaba, mothusa tona mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae Rre Frans Van Der Westhuizen a tlhalosa fa go tlhoka tsebe ga banana go simolola fela kwa malwapeng mme a rotloetsa batsadi go ema ka dinao go bua le bana ba bone. Rre Van Der Westhuizen a re kgang e e batla batsadi go ema ka dinao go bona gore ba ruta bana ba bone bo molemo le maitseo kwa malwapeng, a tlhalosa gore dinako di fetogile mme botlhe ba tshwanetse go ema ka dinao. Mothusa tona o ne a gape a kopa baeteledipele, barutabana le bogogi jwa metse go ema ka dinao go bona gore bana ba busetswa mo tseleng. Fa a akgela ka leobo la kgotla, o ne a leboga go menagane komiti ya ditlhabololo ya Botalathomo go bo e bone go le maleba go ikagela leobo la kgotla. A re se se supa mowa wa boipelego le wa boithaopo, a tlatsa ka gore merafe ka bontsi e setse e tlwaetse go kopa fela kwa pusong mme bone ba bone go le mosola gore ba itirele ka jalo a ba leboga. O ne a rotloetsa dikomiti tse dingwe tsa go tlhabolola metse go ema ka dinao go tshwaragana le merafe ya tsone mme ba ipelege. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti e tona ya ditlhabololo tsa motse wa Mahalapye Rre Goabaone Ntapu o ne a tlhalosa fa e rile ka 2014 ba tsaya boeteledipele jwa dikomiti ba itlama go isa ditlhabololo mo dikgotleng tsa bone. Rre Ntapu a re ba ne ba itlama gape le go busetsa seriti sa komiti ya ditlhabololo, go rotloetsa mowa wa boipelego, popagano ya setshaba le go atametsa batho gaufi le mananeo a puso ka tekatekanyo le go tiisa tirisanyo ya komiti le banaleseabe. A re e le ba komiti ya ditlhabololo ya Botalathoma ba ne ba sekaseka botlhoki jwa kgaolo ya bone mme ba setse ba kile ba gokela metsi kwa kgotleng ya Thomadithotse, ba gokela motlakase kwa kgotleng ya Botalaote mme gompieno ba bula kago ya leobo la kgotla mo kgotleng ya White City. A re tsotlhe tse ba di dira ka mowa wa boithaopi, boipelego ba beile dikeletso tsa morafe kwa pele. crime_law_and_justice 1 Modulasetilo o leboga makhanselara Phuthego ya bofelo ya monongwa ya khansele ya Bokone Botlhaba e wetse kgwedi ya Ngwanatsele e le masome mararo. Fa a bua kwa bokhutlong jwa phuthego eo, modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, yo gape e le mokhanselara wa kgaolwana ya Matsiloje, Mme Florah Mpetsane o lebogile makhanselara ka ene go bo ba dikile ba dirile tiro ya bone ka botswapelo le boineelo, ba supa fa ba nyoretswe go direla le go tlhabolola kgaolo. Mokhanselara Mpetsane a re ka fa makhanselara ba neng ba goga ka teng, go ne ga mo itumedisa, ka ba dirile sone se se solofetsweng mo go bone ke setshaba se se ba rometseng khenseleng. A re o eletsa gore ditiro tse di akantsweng go dirwa mo ngwageng wa madi wa 2018/19, e re ngwaga oo o wela le tsone di bo di wetse, a re seo se ka kgonega fela ka go goga ba le seopo sengwe ga mmogo le ba-na-le seabe ba bangwe mo ditlhabololong tsa kgaolo. Mme Mpetsane o gakolotse makhanselara go ya go tshwara diphuthego kwa dikgaolwaneng tsa bone go rerisana le go lekodisa banni ka ditiro tsa ditlhabololo mo kgaolong. Mo go tse dingwe, modulasetilo o ne a ba kopa go gasa molaetsa kgatlhanong le kgokgontsho ya bong, a tlhalosa fa dikgang tsa kgokgontsho di ngomola pelo mme go le mo maruding a bone go nna ba bua ka dikgang tse, bogolo jang ka go le mo malatsing a a lesome le borataro a go lwantsha kgokgontsho ya bong. Mme Mpetsane a re kgokgontsho e tshwanetse ya kgalwa ka gotlhe mo go ka kgonwang ka jaana e baya matshelo a batho mo diphatseng. Mokhanselara Mpetsane o ne a kopa makhanselara go ikela tlhoko le go ipabalela mo malatsing a go ipelela keresemose le ngwaga o mosha. A re go dira jalo go ka nna molemo gore ba tle ba tsweledise ditiro tsa khansele fa ba emeng teng ba le mmogo. A re ba tshwanetse ba kgweetsa ka kelotlhoko, a ba gakolola gape gore ba rotloetse le setshaba se ba tshelang le sone go tila go inaakanya le ditiro tse di ka tsenyang matshelo a bone mo diphatseng. politics 7 Ba Setsile ba lwadiwa ke nama ya kgomo Bangwe banni ba motse wa Setsile ba le masome mane go balelwa bagolo le bana ba tsweletse ka go tshabisega morago ga go ja nama ya kgomo. Kgosi Senau Ramaribana o boletse mo phuthegong ya tshoganetso e e neng e tsenwe ke badiri ba lephata la botsogo bosheng, gore morafe wa gagwe o simologetswe ke letshololo kgwedi eno e le masome mabedi le boferabongwe, morago ga go ja nama ya kgomo. Kgomo eo go bolelwa fa e ne e kentilwe malatsi a le mararo pele ga nama ya yone e rekisediwa batho ba Setsile. Kgosi Ramaribana o boletse fa mo bathong ba le masome mane ba ba neng ba jele nama ya kgomo eo, ba le masome mabedi le bone, ba ne ba ragosediwa kwa kokelong ya Mahalapye, fa ba le lesome le borataro ba santse ba okelwa mo malwapeng. Rre Gaone Mosipidi, yo e leng mongwe wa batho ba ba neng ba rekisa nama eo, o tlhalositse fa kgomo eo e ne ya phadimogelwa ke bolwetse e sena go tsala namane, mme morago ba e kenta ka molemo wa theremaesene pele ga ba ka e hohotsa. E re ka go na le bangwe ba ba tshabisegang ntswa ba sa ja nama ya kgomo eo, ba lephata la botsogo ba boletse fa ba na le dipelaelo tsa gore batho bao ba ka tswa ba nole metsi a a kgotlelesegileng, a ba neng ba a gelela mo nokeng ya Mahalapye. Badiri ba lephata la botsogo ba ba neng ba eteletswe pele ke Mme Kealeboga Ketlogetswe, ba tlhomamiseditse banni ba Setsile fa ba tlaa tsaya nama ya kgomo eo ga mmogo le metsi a noka ya Mahalapye e banwang mo go yone go ya go tlhatlhojwa. Mme Ketlogetswe o kopile banni ba motse oo go bidisa metsi pele ga ba ka a dirisa go bolaya megare e bile a ba rotloetsa go aga matlwana a boitiketso go na le go ithomela mo sekgweng ka go dira jalo e le go kgotlela tikologo. Ka nako ya kgang e e kwalwa, go ne go ise go umakwe dintsho dipe mabapi le seru seo se se wetseng banni ba Setsile le meraka e emo tikologong. Batho ba Setsile ba kgadile ba shenne meno badiri ba kompone ya Water Utilities, ba go bolelwang ba na le beke ba sa ba siele metsi ntswa ba se na sediba se ba nwang mo go sone. BOKHUTLO health 6 Lwantshang tshenyetso setshaba Tshenyetso setshaba e ka kgautlhanya itsholelo ya lefatshe leno fa Batswana ba sa eme puso nokeng go e lwantsha. Fa a tshwere phuthego ya kgotla kwa Tamasane bosheng, mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Olebile Gaborone, o ne a rotloetsa morafe go ema puso nokeng, go lwantsha tshenyetso setshaba. A re tshenyetso setshaba ga se ya madi fela mme e kgona go tla ka methale e e farologaneng. O file sekai sa gore mongwe wa methale eo ke tiriso botlhaswa ya didirisiwa tsa puso le go sa tleng tirong, go se na mabaka a a tsepameng. A re fa mmereki a sa theogele sentle, o senyetsa setshaba ka gore o duelwa ka madi a setshaba mme a sa a fufulela. O rotloeditse morafe wa Tamasane go leletsa nomoro ya mahala ya Rre Gaborone o tlhalositse fa lefatshe leno le sa ntse le tlhaelelwa ke madi a go dira ditlhabololo dingwe, a re go botlhokwa gore metse e ipelege mo go tse dingwe. A re ka ntlha ya tlhaelo e, komiti ya ditlhabololo e tshwanetse go diragatsa ditlhabololo dingwe ka madi a yone. A re dikomiti dingwe tsa ditlhabololo, ga di duelwe matlo a tsone sentle, ka jalo go nna thata gore di diragatse maikaelelo a tsone. A re go botlhokwa gore ba ba filweng matlo a go nna jalo ba a duele sentle gore komiti e kgone go dirisa madi ao, go shafatsa matlo le go dira ditiro tse dingwe. Fa a ama dikgang tsa thuto, a re motsadi mongwe le mongwe o eletsa gore ngwana wa gagwe a rutege mme a tlhalosa fa se se ka diragala fela fa batsadi ba ka kopanela thuto ya bana ba bone le barutabana. A re lekgotla la batsadi le barutabana le botlhokwa fela thata ka le fa bobedi joo sebaka sa go buisana ka thuto ya bana, a rotloetsa batsadi go tsenelela diphuthego tsa lekgotla le. A re batsadi ba tshwanetse go itse ka madi a a abetsweng sekole go dira dipaakanyo gammogo le go ntsha megopolo ya go direla sekole madi. Mothusa molaodi wa Palapye, Mme Segametsi Koontse, a re morafe wa motse oo o tswa kgakala o lela ka letlhoko la mophepafatsi kwa kgotleng, a tlhalosa fa seemo seo se baakantswe, ka bosheng jaana go thapilwe mophepafatsi le fa e se wa sennelaruri. O tsweletse ka go tlhalosa gore komiti ya ditlhabololo e ne e kopile go baakanngwa ga ntlo ya LA2 mme a tlhalosa fa go sa ntse go se na madi, ka jalo a neela komiti ya ditlhabololo ya motse wa Tamasane mogopolo wa go dirisa madi a matlo go baakanya ntlo eo. Mme Koontse o tlhalositse le gore kokelwana ya Tamasane e sa ntse e se na koloi e e tsayang balwetse, ka jalo e dirisa koloi e le nngwe le metse ya Diloro, Maokaatuma le Mogapi. A re palo ya baoki kwa kokelwaneng eo e okeditswe go nna bobedi. O tsweletse ka go sedimosa gore ba Botswana Post ga ba ka ke ba aga poso kwa Tamasane jaaka morafe o eleditse, ka gore go na le poso kwa Maokaatuma, e e nang le mabokoso a ka nna makgolo a mabedi mme mo go one, go dirisiwa a le masome mabedi le boraro fela. A re ka jalo ba poso ba rotloetsa morafe go dirisa poso e e kwa motseng wa Maokaatuma le go reka mabokoso teng. BOKHUTLO society 9 Go tshwerwe magolegwa ale supa Mogolwane mo lephateng la dikgolegelo Senior Superintendent Wamorena Ramolefhe a re go setse go tshwerwe magolegwa a le supa fela mo go a le lesome le borobabobedi a a neng a thoba mo kgolegelong ya Francistown kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le bone mo tshokologong. Senior Superintendent Ramolefhe o tlhalositse se mo potsolotsong le BOPA a tlhalosa fa ba le lesome le motso ba sa ntse ba tsene ka lenga la seloko. A re ba setse ba tshwere Gaomodimo Molosiwa, Mlindeli Moyo, Godwin Mapunganyika, Sicelo Sibanda, Charlote Ndlovu, Methuli Sibanda le Thabani Ncube. O boletse gore mo go bone ba ba tshwerweng Molosiwa ke ene fela Motswana fa ba bangwe ba tlholega kwa Zimbabwe. O tlhalositse fa magolegwa a ba kgonne go a tshwara gape mo mafelong a a farologaneng a kgaolo ya Bokone fa Thabani Ncube ene ba kgonne go mo tshwara ka thuso ya sepodisi sa ba ga gabo sa Zimbabwe mabapi le mongwe molato o a saleng a o tsomelwa. Senior Superintendent Ramolefhe o lebogetse kemonokeng e ba tsweletseng ka go e fiwa ke Batswana ka kakaretso mabapi le go thusa mapodisi go tshwara magolegwa a. Ka jalo o kopa Batswana go tswelela ba supa mowa wa tirisano mmogo ka dinako tsotlhe a re ke tshwanelo ya bone go tshwaraganela go lwantsha borukutlhi mo lefatsheng. O kopile setshaba ka kakaretso gore e re ba bona ope fela yo a belaetsang ba lome tsebe ba sepodisi ba ba gaufi kgotsa ba ba tshware mo megaleng ya 3611700 kgotsa nomoro ya mahala ya 999. Magolegwa a a ne a iphalotsa mo kgolegelong ya nakwana e e tshegetsang batho ba ba tsenang mo lefatsheng leno e se ka fa molaong mo tshokologong ka go kgaola terata ya kgolegelo e e kwa morago. Mo go bone ba le lesome le botlhano ba tswa Zimbabwe fa ba le bararo e le Batswana. Go tlhalosiwa fa magolegwa ao otlhe a le borai fela thata mo matshelong a batho, ka jaana melato ya bone ka go farologana e akaretsa polao, go betsa le go utswa ka dikgoka. BOPA crime_law_and_justice 1 Lephata la thuto le aba dietsele E rile bosheng lephata la thuto mo kgaolong potlana ya Mahalapye la abela baithuti, barutabana le badiri ba lone dietsele go ba akgolela go dira ka natla le go ba tiisa moko mo tirong ya bone. Fa a amogela baeng, Kgosi Tshipe Tshipe o tlhalositse fa tiro ya borutabana e le ya tlhwatlhwa ka ke yone e alosang bommantswitswidi ba ditiro tse di farologaneng. A re le fa ntswa barutabana ba sa tsewe tsia ba tshwanetse go ipelafatsa ka barutegi botlhe ba tswa mo diatleng tsa bone. E rile a tswa la gagwe, mongwe wa barulaganyi ba moletlo, Rre Johannes Mokomane a tlhalosa fa ba sala ba simolola tiro ya sebopego se ka 2010 mme ba tsweletse ka go tshegetsa kabo dietsele e ngwaga le ngwaga. O tlhalositse gore konokono ya tiro ya mothale o ke go lemoga le go leboga batho ka bongwe ka bongwe ka maduo a tiro e ba e dirileng. A re se sengwe ke go itshekatsheka e le lephata go leba kwa morago go lemoga tse ba di kgonneng le tse ba sa atlegang mo go tsone gore ba kgone go tokafatsa maduo. A re tiro ya mothale o gape e abo e le go rotloetsa ba ba ka tswang ba kgonne ga mmogo le ba ba sa kgonang go dira sentle gore ba itsose ka phokoje wa morago dintsa di mmone. Fa a itebaganya le batsaya dietsele, sebui sa tlotla sa letsatsi e bile ele moitseanape wa matlotlo wa Botswana Railways, Rre Baemo Bantsi, o lebogile barulaganyi ba kabo dietsele a tlhalosa fa moletlo o, o le botlhokwa ka gonne tlhabologo ya motho e simolola kwa thutong. A re nako e ntsi batho ga ba ke ba lemoga bontle jo ba bo dirang go fitlhelela mongwe a ntsha kakgolo ka jalo a supa fa go le botlhokwa go lemoga fa bana gammogo le badiri ba dirile ka bokgabane ka go akgolwa. A re puso ya lefatshe leno e itlamile go rotloetsa go dira ka natla ke sone se e abelang badiri ba ba dirang ka bokgabane dietsele gammogo le go isa bana ba ba gaisitseng ba bangwe kwa moseja go ya go dira dithuto tse di faphegileng. Rre Bantsi a re ka tsela e e tshwanang Botswana Railways le yone e gata fela mo motlhaleng o o tshwanang, ka ba itlamile go rotloetsa katlego mo thutong. O tsweletse a re mo nakong eno ba rotloetsa kgaolo ya Shoshong kwa ba dirileng kgaisano ya sekole se se dirang go gaisa. O supile gape fa ba rotloetsa sekole se se golwane sa Madiba ka ba na le kgaisano ya go kwala dipolelo ka teme ya Setswana mme ba atswe bafenyi mme mogodimo ga moo ba isitse bana dithutong tsa tiro tsa diatla. O gwetlhile baithuti go lemoga fa ba le lesego ka thuto e ba tlela fela mahala ntle le tshokolo go na le pele fa batsadi ba ne ba tshwanelwa ke go ngakalala go netefatsa gore bana ba bone ba bona thuto ka jalo a re ba tshwanelwa ke go dira ka thata gore ba tlotlomatse lefatshe leno. Bokhutlo education 4 Direkere di fa banni ba Draaihoek dikobo Batswana ba tsweletse ka maiteko a go thusanya go leka go tsholetsa matshelo a bangwe ka bone ka maikaelelo a go fokotsa lehuma le le tseneletseng. Dikereke tsa Draaihoek di ne tsa kokoanya madi ka nako ya go rapelela pula ka Phalane mme tsa dumalana go thusa banni bangwe ba motse ka go ba rekela dikobo. Modulasetilo wa dikereke mo motseng oo, Mme Mosese Gaobape o tlhalositse fa dikereke tse thataro tsa Saint John, UCCSA, Holy Church, Botswana Independence Church, Unity Church le Spiritual Healing Church di ntshitse baemedi ba ba neng ba ema ka dinao go ntsifatsa madi a ba a kgobokantseng go simologa ka 2012. O tlhalositse fa ba ne ba itela mo morafeng mme bangwe ba araba selelo sa bone ka go ba tswa thuso mme morago ba rekela banni ba le lesome le borataro dikobo. Sebui sa tlotla sa letsatsi la kabo dimpho eo, Rre France Vander Westhuizen o akgoletse dikereke tseo tiro e di e dirang ya go thusa puso ka go tsenya letsogo mo go tokafatseng matshelo a Batswana ba bangwe. A re go tshelela Modimo ke selo se se monate thata ka go ka dira gore motho a itse botlhoki jwa mongwe ka ene gammogo le go aba ka go le lesego letsogo le le abang. O tlhalositse fa mafatshe a a humileng le one a na le batho ba ba tlhokang mme a supa gore le fa motho a na le diaparo, dijo le boroko go nna go na le letlhoko la sengwe ka jalo go abelwa go baya motho mo seemong sa gore a itse gore boleng jwa gagwe bo raya sengwe mo go ba bangwe. Moruti wa Spiritual Healing Church go tswa kwa Makopong, Rre Donald Mogaga o akgotse dikereke tseo thata a bo a tlhalosa gore go tshegetsa molao wa Modimo le go kopa mo go ene go tlisa ditshegofatso e bile go godisa bobelotlhomogi. E ne e rile go le pele fa a amogela baeng, kgosi Charles Bimbo wa motse oo, a akgola morafe wa gagwe a bo a o rotloetsa go tswelela o dira jalo gore e re ka 2016 e bo e le tshaba e e nang le maduo a kutlwelobotlhoko. Mongwe wa batho ba ba abetsweng dikobo, Mme Sarah Besson a re se se mo gakgamaditseng ke gore batho ba motse o monnye go le kalo ba tsaya kae botlhale le kakanyo ya go aba.BOKHUTLO religion_and_belief 8 Boithaopo bo dira pharologanyo Kgosi Joseph Batisani wa Semitwe a re le fa ditlhabololo ka bontsi mo motseng oo e le morwalo wa puso, go a itumedisa go bona banni ba motse le bone ba dira ka thata go ka dira dingwe ditlhabololo mo motseng. Kgosi Batisani o buile jalo mo potsolotsong bosheng. A re banni ba tsweletse ka go ithaopa go tlhabolola motse ka go nna maloko a dikomiti di akaretsa ya ditlhabololo tsa motse, ya botsogo, ya twantsho borukhutlhi le tse dingwe ka go farologana. Kgosi are jaaka ba ilthaopela dikomiti tse, ba dira pharologanyo mo motseng ka ba dira ka natla e bile ditiro tsa bone din a le motlhala o o kgatlhisang. A re komiti ya ditlhabololo tsa motse e dirile diphetogo di akaretsa go epa lehuti la matlakala, ntlwana e balwetsi ba letlang mooki kgotsa ngaka ba le mo go yone le tse dingwe ka go farologana. Kgosi Batisani a re ditlhabololo tse puso e tsweletseng ka go di gorosa di akaretsa tsela e e kgapilweng e e ba kopanyang le metse e mengwe, ditsompelo tse di dirisiwang kwa sekolong se se potlana sa motse le kwa kokolwaneng ga ba di galale. A re ditlhabololo tse ba di amogetse ka tsoo-pedi, fela le bone e le banni ba motse ba ikiteile ka thupana gore tse dingwe ditlhabololo batla leka go di dira ka boitlhaopo. Kgosi Batisani are ditlhabololo tse banni ba motse badi dirileng di arabile mangwe matshenyego a bone ka jaana pele ga lehuti la matlakala motse o ne o lebanwe ke kgwetlho ya matlakala a a gasamang le motse. A re gape balwetsi ba ne ba sena fa ba tshabelang pula kgotsa letsatsi teng pele ba ka bona ngaka kgotsa mooki. Kgosi o supile gape fa komiti ya botsogo le yone e tshwere ka thata ka jaana e rotloetsa bophepha mo motseng, gape e rotloetsa banni ka mananeo a a rotloetsang botsogo le pabalesego. Go sale foo Kgosi o bile a akgola baitlhaopi ba sepodisi ga mmogo le komiti ya twantsho borukhutlhi, a re go rena kagiso mo motseng, a tlatsa ka go supa fa go sena dipe ditiragalo tse di fatlhang kgotsa di rotloetsa borukhuthi. Kgosi Batisani a re se se kgatlhisang ka baitlhaopi botlhe ba dikomiti tse ke gore le fa ba lebanwe ke ditiro tse di ntsi, gape ba etla ba dira ka ditshenyegelo tsa bone, ba dira ka boineelo le ka botswa pelo politics 7 Bapalami ba kopiwa go ipabalela Bapalami ba kopilwe go supa boikarabelo le go nna le seabe mo go gakololeng bakgweetsi go ikhutsa, bogolo jang mo mesepeleng e meleele jaaka go lebilwe malatsi a keresemose le ngwaga o mosha. Mafoko a, a builwe ke mothusa mookamela mapodisi a Middlepits, Assistant Superintendent Busang Malope, mo puisanong le ba tatediso ya dikgang bosheng. Assistant Superintendent Malope o ne a tlhalosa fa gantsi dikotsi tse di diragalang di bakwa ke letsapa le lentsi, mme a kopa bapalami go gakolola bakgweetsi go ikhutsa go na le go ba tsenya mo kgatelelong ya gore ba itlhaganele fa ba le mo mesepeleng. O ne a tlhalosa fa ngwaga le ngwaga ba tshwara merapelo le dikereke tse di farologanyeng mo kgaolong ya Middlepits ka nako ya malatsi a boitapoloso a keresemose le ngwaga o mosa, e maikaelelo a yone eleng go gopola ba ba tlhokafetseng ka ntata ya dikotsi tsa tsela le gone go rapela le go kopa Modimo go kganela dikotsi tsa tsela tse di gapileng matshelo a batho ba le bantsi mo lefatsheng leno. O tsweletse ka go tlhalosa fa ba tlhopha lefelo lengwe le go diragaletseng kotsi mo go lone mme ba phuthaganele teng go rapela. A re ka tirisanommogo le kemonokeng ya magosi le merafe ya motse wa Middlepits le mafelo a a mo tikologong, tiro e e nna e atlega ngwaga le ngwaga. Rre Malope a re ka yone nako eo ya thapelo, ba nna le sebaka sa go begela morafe ka dikotsi tse di diragalang mo kgaolong ya bone. O supile fa go simologa ka ngwaga wa 2011 go fitlha mo nakong ya gompieno go setse go tlhokafetse batho ba supa. Assistant Supuritedent Malope o supile fa malatsi a boitapoloso bangwe ba tsaya mesepele e meleele ba ya dikerekeng le kwa magaeng a bone, fa bangwe ba goroga go tswa ditirong. O kaile fa ba ipaakantse sentle mo ditseleng, e bile ba le malalaalaotswe ka tsotlhe tse di amanang le go kgweetsa mo ditseleng, le gone go dikologa mo terateng ya molelwane wa lefatshe la Botswana le la Afrika Borwa, ba etse seemo tlhoko. O supile fa gantsi ba tshwenngwa ke bogodu jwa go tlodisiwa ga leruo mo molelwaneng o. Mothusa mookamela mapodisi o ne a gakolola a ba a kopa bakgweetsi go ikela tlhoko mo malatsing a boitapoloso a keresemose le ngwaga o mosa, ka go tila go nwa bojalwa ba kgweetsa; go kgweetsa ka lebelo le le letlelesegang; go tlhomamisa gore a dikoloi tsa bone di itekanetse sentle pele ga ba tsaya mesepele; go itsa go amega mo dikotsing tsa tsela. O ne a tlhagisa thata bakgweetsi go ela tlhoko tsela fa e itsoketsang teng, le gone go fokotsa go tsamaya bosigo; a kopa gore go emelelwe go sa ntse go bonala ka tsela ya Tsabong go ya Bokspits e tshabelelwa ke leruo le le gobeang mo go yone bosigo le motshegare. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Maele o lekodisa banni ka melao e e tlang Mopalamente wa Lerala/Maunatlala Rre Prince Maele a re palamente e e tlang e ya go bewa pele ditshutiso ka kakanyetso melao di le pedi, tsa go akaretsa bodiredi bongwe mo go ba ditirelo tse di faphegileng le go okediwa ga ditsha tsa bonno go tswa mo bongwe goya kwa go bobedi. Rre Maele o buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla kwa Malaka, Lecheng, Mokungwane, Moremi, Lesenepole le Maunatlala. O ne gape a tlhalosa ka lenaneo la botsogo la go fa kalafi botlhe bao ba ba fitlhelwang ka mogare morago ga tlhatlhobo gore ga ba na go letlela masole go wela tlase jaaka go ne go dirwa pele. E rile a ala kgang ya gagwe mopalamente Maele a re puso e ya go sekaseka molawana wa tsa phiro wa kgaolwana ya bo 46, o o buwang ka badirelapuso ba ditirelo tse di faphegileng, gore o akaretse barutabana, ba tsa mesepele le ba kgaso go nna bodiredi jo bo faphegileng (essential service staff). O ne a re o kopa therisano le banni ba kgaolo ya gagwe gore bone kgang eo ba bona e ka nna mo tshiamelong kana jang. O ne gape a ba lekodisa ka kgaogano madi a setshaba a supa fa monongwaga a sa lekana seo se raya gore ditiro dingwe ga di ye go kgonwa jaaka go ne go akantswe. Rre Maele o ne gape a tlhalosa fa pego ka leuba la monongwaga e ise e ntshiwe, le go tseelwa tshwetso. O ne gape a buwa ka boipuso jwa monongwaga a re ke boipuso jo bo faphegileng mme a kopa banni ba kgaolo ya gagwe go bo emela ka dinao le go bo ipaakanyetsa ka maatlametlo gore ba tle ba bo akole. Rre Maele o ne gape a tlhalosa ka tshwetso e e tserweng ke puso ya gore tsamaiso ya ba ipelegeng e tshwane fela lefatshe leno lotlhe, segolo jang mo go bao ba ba ikopelang go apeela badiri ba lenaneo leo a re ba ya go fiwa sebaka sa dikgwedi tse tharo fela le gone gore jaanong ba ya go ikopela tiro eo. O ile a re ditsamaiso tsa ikopelo tiro eo ke gore fa yo o ikopelang a tsalana le mohiri ebong VDC leloko la VDC le tshwanelwa ke go ikgogela ntle kana e le lone leloko le supang kgatlhego foo go tlaa tsaya komiti ya nakwanwa e e tlhomilweng ke mothusa molaodi wa kgaolwana potlana e e thapang. O ne a ba itsise fa ene le ba lelwapa la gagwe ba abetse kgaolo ya gagwe P30 000, go mo dirisa mo dijong tsa boipuso, a re seo se ya go ba tiisa mooko go kgobokanya tsotlhe tse ba ka di kgonang nako e sale teng. Rre Maele o ne a supa fa a tshwenngwa ke go sa direng sentle ga bana ba dikole tsa kgaolo ya gagwe, a re maduo a wetse tlase ka tsela e e tsitsibanyang mmele. O ne a kopa batsadi go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana go tokafatsa maduo. O ne gape a buwa ka thulaganyo ya Re-a-nyalana a re e botlhokwa thata segolo jang mo bathong ba ba sa bolong go nna mmogo ba palelwa ke go nyalana ka mabaka a go tlhoka ditsompelo, a re jaanong ba latelwa kwa metseng ya bone go nyadisediwa kwa dikgotleng. Mme Anna Morwaagole yo e leng mogokaganyanyi wa lekgotla la Re-a-nyalana mono Botswana o ne a supa fa puso e ne ya tsaya kgato go fokotsa dikgang tse di nnang teng morago ga gore mongwe wa botsadi jo bo nnang mmogo le bana ba bone ba amogwe dithoto ke masika morago ga go tlhokafala. Mme Morwaagole o ne a re lelwapa ke motse o o fang motho seriti sa go itemoga le go itlhaloganya sentle. O ile a supa fa morero wa tseo o tshwanelwa ke go nna teng fa gare ga botsadi ja banyalani fela jaaka e le tsamaiso, a re bone ba thusa fela gore lenyalo le felele ka go ba neela meritshana ka P200,le setlankana ka P40 fela le gone go tsisa tsiboso ka morero le tsamaiso ya lenyalo. Baduladitilo tsa metse eo ba ne ba supa fa molelo wa kgolagano o tsamaile sentle thata mo kgaolong ya bone, mme ba lela thata ka ba lephata la banana ba re ga le a ba direla ka botswa pelo go thusa banana ba dikgaolo tsa bone. Ba ne gape ba lebogela lenaneo la nyeletso lehuma ba re jaanong le tswa tema. Fa a tswa la gagwe mothusa molaodi wa kgaolwana ya Palapye, Mme Segametsi Koontse o ne a supa fa ditiro tsa lenaneo la nyeletso lehuma di abetswe P2 million go dirisiwa mo metseng ya kgaolo ya gagwe e le 27, fa mo nakong eno ba setse ba kwadisitse banalebogole ba le 243. Mo leetong leo la ga mopalamente, ba botsogo go tswa kwa District Health Team ba ne ba tlhalosa ka kentelo bolwetse ja mmokwana le ja go hupela mo baneng ba ba dikgwedi tse di ferang bongwe go ya kwa go ba ba dingwaga tse di lesome le bone go simologa kgwedi e e tlang. society 9 Segone o tshela ka go suga matlalo Batswana ba tsweletse ka go lebogela mananeo go itlhamela mebereko le go itshedisa. Rre Gaogakwe Segone wa Kopong kwa kgotleng ya Mashibitswe ke mongwe wa ba ba akotseng mananeo a puso morago ga go fiwa P100 000 ke lephata la banana ngwaga ngogola. O tlhalositse fa a simolotse kgwebo ya gagwe ya go dira dibeke, mabante, dipache, ditlhako tsa matlalo, diaparo tsa mmino wa setso ka ngwaga wa 2014. A re o kgona go ntshafatsa dilwana tsa matlalo tse di duleng boleng e bile gape o kgona go kwala le go tshwantsha ka letlalo. Rre Segone (36) o tlhalositse fa lehuma e le selo sa maloba mo botshelong jwa gagwe e bile o ikgantsha ka se puso e mo dirileng sone. A re morago ga dithuso tseo, lephata la temo thuo le ne la mo isa sekoleng lobaka lwa dibeke tse thataro kwa Otse go ithuta go suga matlalo. “Le fa nne ke itse go suga matlalo, dithuto tse di nthusitse fela thata ka gompieno ke itse go suga matlalo jaaka fa go tshwanetse, ke mmantswitswidi wa matlalo e bile botshelo jwame ke matlalo,” ga bua Segone. O tlhalositse fa a simolotse kgwebo ya matlalo morago ga go lemoga fa a ka mo fa botshelo jo bo botoka. Moeteledipele yoo, wa madirelo a GGS Investment o buile fa batho ka bontsi ba na le bokgoni jwa ditiro tse di farologaneng tsa diatla mme ba itsapa go di dira, a tlatsa ka gore tiro ya diatla ke botshelo o rutegile kana o sa rutega. A re batho bangwe ba bona matlalo e le matlakala fa e ne a bona e le madi a a ka mo tshedisang botshelo jwa dikeletso tsa gagwe. E ne ya re ka 2012, a tsenelela dikgaisanyo tsa ga Tautona mme a tsaya maemo a ntlha mo kgaolong ya Kweneneng fa mo Botswana a ne a tsaya a botlhano. O ne gape a akgola Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama go bo a dirile dikgaisano tse ka di sologelang bagwedi mosola e bile di ba fa sebaka sa go tsaya maele mo bagwebing jaaka bone. Rre Segone o supile fa kgwebo ya gagwe e tsamaya sentle e bile dipoelo di mo tshedisa fela sentle ka letsatsi ga nke le feta a sa bone diya maleng. A re dikgwetlho tse ditona ke gore bareki ba leletse ruri ka ditlhotlhwa tsa gagwe, a tlatsa fa bontsi jwa bareki ba rata go tsena ka lenga la seloko mme ba sa feleletsa dituelo. A re go tlhoka go duela sekoloto go diga kgwebo ya gagwe ka didirisiwa di tshwanetse go itheka. O tlhalositse fa kgwetlho e nngwe e le gore Batswana ba rata go reka dilo tsa batswakwa thata. “Le fa o ka dira dilwana tsa boleng jo bo ntseng jang, bone ga ba lebelele seo, ba siela kwa batswakweng mme se se supa fa Batswana ba sa etleetse Batswana jaaka bone,” a supa. O kopile Batswana go emana nokeng ka seo se supa lorato le go kgathala ka motho o mongwe. A re o kgothatsa banana le Batswana ka kakaretso go inamola lehuma la nta ya tlhogo ka go tsaya mananeo a puso gonne ke a Motswana mongwe le mongwe. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ba-na-le bogole ba ntsha maduo Modulasetilo wa komiti ya ba-na-le bogole, Rre Ben Letshwiti o supile fa temo ya merogo mo tshingwaneng ya ba-na-le bogole kwa Mogobane e ntsha maduo. A re temo ya merogo mo tshingwaneng e, e tswela ba-na-le bogole mosola ka jaana e ba fa lesedi ka tlhokomelo le thekiso ya merogo. Fa a bua mo potsolotsong le O buile fa ba setse ba thapile ba-na-le bogole ba fera bobedi ka lenaneo la Tirelo Sechaba. Modulasetilo o bua fa mokgatlho o o itebagantse le ba-na-le bogole ka go farologana, mme ka ntlha ya go tlhoka sepalamo se se ba tsayang kwa malwapeng le go ba busa, bangwe ba felela ba ikgogela morago ka lebaka la bokgakala. “Re eletsa go bona ka letsatsi lengwe re na le koloi e e phakedisang ba-na-le bogole ka gore ba bangwe ba itsapisiwa ke go tsamaya sekgala,” a tlhalosa jalo Rre Letshwiti. Rre Letshwiti o buile fa lemme le ba le bonang le dira pharologanyo. O tlhalositse fa ba ipapatsa mo makalaneng a puso ka go farologana, gape ba tsena motse le motsana. A re monongwaga ba lemile tamati, namuni, kwii le spinach. O buile fa banni ba motse wa bone le e e mabapi ba ba eme nokeng. A re thotloetso ya bone e supa fa ba na le bone mo moonong wa go fetola matshelo a ba-na-le bogole le go ba fa lorato. Rre Letshwiti o tlhalositse fa mo-na-le bogole mongwe le mongwe a tlhokana le lorato le kemo nokeng ya setshaba. ‘Ba-na-le bogole ba na le ditoro fela jaaka mongwe le mongwe, mme kemo nokeng ya batho le lorato ke dilo tse di ba dirang gore ba tie moko. Fa ke na le bone jaana, ba mpolelela nako le nako ka ditoro tsa bone, mme ke dira le bone gore ba di kgone. A re keletso ya gagwe ke go bona ba-na-le bogole ba bangwe mo motseng ba dira le bone mo tshingwaneng ya merogo gonne go ba bula ditlhaloganyo gape go ba fa dikitso tsa temo-thuo le tsa go tsamaisa dikgwebo. Rre Letshwiti o tlhalositse gore keletso ya bone e ka diragala fela fa setshaba se ka simolola go tsaya tsia maiteko a ba-na-le bogole. O tlhalositse fa toro ya bone e le komiti ya ba-na-le bogole e le go bona ba dira thuo ya dikoko le ditlhapi, e bile gape ba na le ntlo lohalahala e ba e hirisetsang morafe go itirela madi gonne madi ke kgwetlho mo go bone. A re ba sa ntse ba tlhoka thotloetso e e tseneletseng mo setshabeng ka jaana ba setse ba tlhaelelwa ke didirisiwa di le mmalwa go ka tsamaisa ditiro tsa malatsi otlhe. society 9 Tirisano mmogo e fefosa ditlhabololo Mokwaledi wa Khansele ya Kweneng Rre Wadha Tema o gakolotse bogogi jwa metse e e mo kgaolong potlana ya Letlhakeng fa tirisano mmogo e le botlhokwa. O buile seo kwa pitsong e a neng a tsile go lekodisana le baeteledipele ba metse le maphata ka go farologana kwa Letlhakeng. Rre Tema o ne a supa fa tiro ya khansele mo kgaolong e le go tlhabolola Motswana ka mananeo a puso a a leng teng. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa maphata mo motseng a tshwanetse go dirisana le komiti ya ditlhabololo. O kopile gore bogogi jwa motse le komiti ya ditlhabololo go se emelel diphuthego tsa matona a puso le tsa ga Tautona go bega mathata. O ba gakolotse gore go botlhokwa gore ba bege mathata pele kwa a tshwanetseng teng go sale nako gore go bonwe ditharabololo gona le go emela diphuthego tsa dikgotla. O ne a tswelela ka go supa gore fa gona le tirisano mmogo ditlhabololo di a tswelela. Rre Tema o kaile fa komiti ya ditlhabololo e le yone e e ka lomaganyang badirela-puso le sechaba. Mo go tse dingwe Rre Tema o ngongoregetse babereki ba Ipelegeng gobo bas a dire tiro e ba eneetseng ka bokgabane. O supile gore ere ntswa a amogela gore go na le tlhaelo ya didirisiwa seo gase a tshwanela go nna seipato gore tiro dise dirwe ka bofefo le ka nako. O tsweletse ka go kopa gore ba komiti ya ditlhabololo ba segele babereki ba ipelegeng seelo sa pereko gore tiro e dirwe le go fela ka nako. Mokwaledi wa khansele o ne a tswelela ka go kopa ba boipelego gore ba netefatse gore batlhoki gab a neelwe dijo tse di senyegileng kana tse di tlodilweng ke nako. O tsweletse ka go supa fa khansele e tsile ka lenaneo la maloma-tsebe go lwantsha tshenyetso sechaba mo kgaolong.O tlhalositse fa maloma-tsebe a ka ba loma tsebe bas a ipolele maina kana ba ipolela maina. O ne gape a supa fa khansele ya Kweneng e tsere tshwetso ya go fa beng gae ditiro tsa di akaretsa go rokela bana ba sekolo paka le go apaela bana ba sekolo borotho. Fa ba mokgwa dikgaba Kgosi ya Metsibotlhoko Rre Bafentse Moatshing one a akgola mokwaledi wa khansele go tla go ba lekola le go ba fa tshedimoso ka diphetogo tse di tlaa diragalang. Mo mafokong a gagwe a malebo Modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng Rre Thomas Batlhophi kaile fa tshwaragano ele phenyo jaaka ele moono wa khansele ya Kweneng society 9 Borukhutlhi kwa Metsibotlhoko bo a tshwenya Mapodisi a Letlhakeng a supile fa a tshwenngwa ke borukutlhi kwa motseng wa Metsibotlhoko, bogolo jang dipolaano le dikiteo. E rile a buisa batho ba motse oo mo phuthegong e e neng e biditswe ke ba sepodisi, Inspector Willy Monageng a gwetlha baagi ba Metsibotlhoko go thusana le ba sepodisi le bogosi go fokotsa borukhutlhi. Inspector Monageng o ne a kopa banni ba motse oo go sala molao wa thekiso ya bojalwa morago mme a kgala barekisi ba majalwa a setso, a re ke bone ba tshabelelwang ke go roba molao oo. Kgosi Bafantse Moatshing wa motse oo, one a kopa Inspector Monageng go ba kopela lepodisi go itepatepanya le seemo sa borukhutlhi. crime_law_and_justice 1 Ba kopiwa go dirisana le makalana Mopalamente wa Kgatleng Botlhaba o kopile banni ba Mmathubudukwane go dirisana le makalana a semolao go tsibogela dikgang tsa kgokgontsho ya bana. Fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng, Rre Moagi Molebatsi o supile fa palamente e dirile ditshwaelo le ditshutiso di le mmalwa tsa melao, go akaretsa molao wa kgokgontsho ya bong. Rre Molebatsi a re pele, molao wa kgokgontsho ya bong o ne o sireletsa bana le basadi fela, mme dipatlisiso di supile fa kgokgontsho ya borre le yone e le teng, ka jalo palamente e ne ya baakanya ditsetlana tsa molao o, go o atolosa gore o akaretse le borre. O tsweletse a supa gore molao o wa kgokgontsho ya bong o tsentswe ditsetlana tse di fang ba semolao dithata tsa go ka sekisa e be ba bona motsadi molato fa a itlhokomolosa kana a bipa dikgang tsa kgokgontsho ya bana. “O ka atlholwa dingwaga tse tharo go ya kwa go tse supa mo kgolegelong, fa e le gore motho o itlhokomolosa dikgang tse mme a di bona,” ga tswelela Rre Molebatsi. Rre Molebatsi o ne gape a akgola mohumagadi wa ga tautona, Mme Neo Masisi go bo a tsibogetse dikgang tsa kgokgontsho ya bana, a re se ke sekao sa gore dikgang tse ke tsa Batswana botlhe. O tsweletswe gape a tsibosa banni ba Mmathubudukwane ka molao wa tiriso le thekiso ya diritibatsi. A re molao o o gagamaditswe fela thata, mo eleng gore fa go lemosega gore motho o gweba ka diritibatsi, dithoto tsotlhe tse a di ikgobanyeditseng di a tsewa. “Go na le melao e mengwe gape ya bo-money laundering (go tlhatswa madi), tshwenyetso setshaba le borukutlhi jwa baiphatlakanyi (terrorism) e e dirilweng, mme ele tshwanelo gore le itse ka yone,” a rialo Rre Molebatsi. O tsweletse a supa gape gore palamente e ne ya dira molao o mongwe wa borukhuthi jwa maranyane, mme o akaretse ba ba tlhapaolang ba bangwe ka maranyane a Facebook. “Molao o wa borukhuthi jwa maranyane o sireletsa le bana gotlhe le bagolo ba ba dirisiwang botlhaswa ka go tsewa dinepe ba sa tswala. Dingwaga tsa kgolegelo di simolola ka bosupa, lesome, lesome le botlhano kana go duedisiwa P500 000 kana P1 million,” ga bua Rre Molebatsi. Fa a bua ka melao e mengwe, Rre Molebatsi o ne a supa gore molao wa bogodu ja leruo le one o baakantswe. “Go etswe tlhoko gore go na le fa go sa gagamalang teng. Batho ba utswa leruo, ba a tshwarwa, kamoso ba letleletswe go emela tsheko kwa ntle, beke e tlang gape ba utsule ebe ba tswa gape. Mme jaanong molao o o leka go baakanya kgang e. Magodu a leruo a tla emela tsheko mo kgolegelong, ebile gape molao o o letla gore le fa o sa amege mo go utsweng leruo, mme o adimile batho koloi kana sengwe ba utswa, le wena o tsile go seka,” a rialo Rre Molebatsi. Fa a lekodisa mopalamente ka ditlhabololo tsa motse, mogolwane wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC), Rre Isaac Siabatho a re ba na le mantlo a roba bongwe, mme a le mabedi mo go a robabongwe a sena motlakase. O supile gore le ntswa matlo a a hiriseditswe badirela puso, mangwe matlo ga a dirisiwa ka a sena dibata tse di tlhapelang. Rre Siabatho o ne gape a kopa khansele ya Kgatleng go ba thusa go baakanya dikago tsa metlobo ya dibuka, a re marulelo a wetse, mo go dirileng gore didirisiwa jaaka di-computera di tsewe ka di ne di sa sireletsega. O ne gape a kgotatsa banni ba Mmathubudukwane ba ba itseng tiro ya go aga, go tsibogela tendera e duleng ya go aga mosele o thusang ka dinako tsa di pula. “Dipampiri tsa tiro e di fa kgotleng, tlang go iteka lesego,” a rialo Rre Siabatho. Banni ba motse ba ne ba nna le sebaka sa go kgwa mopalamente dikgaba, mme bontsi ba supile fa ba itumeletse ka fa mopalamenteng a ba etelang kgapetsakgapetsa ka teng. Ba re se se supa gore ke morongwa wa tlhwatlhwa, e bile ba solofela fa a tla tsweledisa thomo ya bone kwa palamenteng. Banni ba tsweletse ba ngongorela go tlhoka go eta ga matona mo kgaolong ya bone, ba supa fa ba sa le ba letile tona wa botsogo, wa temo-thuo gammogo le wa ditsela, mme le gompieno. health 6 Tshenyetso setshaba e borai Tshenyetso setshaba selaga se se maswe ka jaana motho o kgona go dira molato a sa itse gore nako nngwe go tlaa lemogiwa a bo a tshwarwa. Se se builwe ke Mme Nnese Magwadi fa a buisa babereki ba maphata a kgaso le dikitsiso kwa Palapye bosheng. O ne a kopa bodiredi go ikela tlhoko thata dinako tsotlhe ka gore selo se se nnye se ka senyetsa motho tiro le botshelo. O gakolotse badiri go bega sengwe le sengwe se se amanang le tshenyetso setshaba kwa lephateng la tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo le mo dikomiting tsa twantsho tshenyetso setshaba mo maphateng a puso. A re dikomiti tseo di setse di tlhamilwe mo maphateng a puso, maikaelelo e le go leka go lwantsha tshenyetso setshaba mo tirong. Mme Magwadi o tlhalositse fa dikomiti di tshwanetse go akaretsa bodiredi jotlhe, e seng gore di tsenwe ke bagolwane fela. A re go dira jalo go kgona go thusa gore bagolwane ba kgone go lemosiwa dilo dingwe tse bone ba neng ba sa di ele tlhoko tsa tshenyetso setshaba. O gakolotse gore bodiredi bo tshwanetse go bua dimpho tse ba di fiwang fa ba le mo ditirong tsa bone. O ne a tlhalosa gape fa ba setse ba lemogile fa go na le badirelapuso bangwe ba ba setseng ba kgona go utswa madi a a duelelwang go bereka morago ga nako. A re bangwe ba setse ba dirisa maretshwa mangwe gore ba kgone go duelwa madi a ba sa a berekelang, mme a re seo ke tshenyetso setshaba e bile modirelapuso o kgona go tseelwa dikgato tse di gagametseng. A re gape ba setse ba lemogile fa go na le bangwe badirelapuso ba ba dirisang maretshwa ka madi a ba a neelwang go robala mo dioteleng. A re batho ba setse ba dirisanya le bangwe ba diotele. Go dira jalo le gone a re ke tshenyetso setshaba. society 9 Nyeletso lehuma e neela Nnopi seriti Lenaneo la nyeletso lehuma le tsweletse ka go inola Batswana mo lehumeng le manokonoko a kwelotlase ya itsholelo mme yo o bonyeng dithuso tsa lenaneo a nne le seriti. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, Mme Kagisanyo Nnopi wa motse wa Dibete, yo o dingwaga tse di masome a mararo le borobabongwe a filwe dithuso ka lenaneo a le mo mohameng wa kapei ya dijo o tlhalositse fa lenaneo le mo tlodisa melatswana e tletse. Mme Nnopi o tlhalositse fa a tswa kgakala a rata go apaya mme a ne a tlhaela botsipa bongwe jo bo tsileng le lenaneo le tsone didirisiwa tsa kapei mme erile go utlwalela lenaneo la nyeletso lehuma a seka a tlhola a leba kwa morago a ikopela mme a atlega. A re o abetswe didirisiwa tsa kapei ka ngwaga wa 2012 mme morago a isiwa ithutuntshong ya dibeke tse tharo kwa Mahalapye ke ba lephata la boipelego. A re kwa ithutuntshong o ne a sugwa mo dikarolong tse di farologanyeng tse di amang kapei magareng ga tsone e le go tshwara dijo,kapei ya dijo ga mmogo le go kwala dibuka tsa madi le pego . Mme Nnopi o kaile fa botshelo jwa gagwe bo tsamaya ka thelelo morago ga gore a bone lenaneo,a re letseno la madi le botoka ka gore o kgona go thusa ba lelwapa la gagwe e bile bana ba gagwe ga ba sokole go ka ya sekoleng. O tlatsa ka gore o kgonne go bula letlole la polokelo ya madi kwa bankeng, a re o dira se gore fa nako e ntse e tsamaya a kgone go atolosa kgwebo ga mmogo le go ka thiba fa mathata a tlhagoga. Mme Nnopi a re maphata a puso a mo fa kgothatso ka gore gantsi fa ba na leditiro ke ene a ba fepang ka dijo mme le morafe wa motse wa Dibete ka kakaretso ba reka mo go ene,a re mo bogompienong ke ene a abetswenng tiro ya go apeela mapodisi a motse a a ithaopileng. O kaile fa a apaya dijo tse di farologanyeng seo se bakiwa ke se moreki a se batlang,a kaya fa ene a reetsa e bile a tlotla moreki thata gore a age botsalano jo bo lolameng. Le ntswa kgwebo ya ga Mme Nnopi e mo fa letseno a re dikgwetlho tsone di teng di akaretsa kgaogo ya motlakase e gantsi e senyang dinama ka jalo moo go dire gore a nne le tatlhegelo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Komiti ya ditlhabololo e kopa thotloetso Komiti ya ditlhabololo tsa motse ya kgaolo ya Taukobong kwa Kanye e kopa thotloetso go tlhabolola tshimo ya merogo. Mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa komiti eo, Mme Setoki Mpitsang o boletse fa ba abetswe tshimo ya go nna jalo ngogola morago ga kopo e komiti e e tsentseng kwa go ba kabo ditsha ka ngwaga wa 2013. A re se, e ne e le maiteko a go rotloetsa banni ba kgaolo go lema merogo le maungo go itshetsa. A re jaanong sebe sa phiri ke letlhoko la madi go e tlhabolola. A re gape ke keletso ya baagi gore e re mo isagong ba fepe bagodi le ba ba tlhokileng lesego ka merogo le maungo a a tlaa tswang mo tshimong e. Mme Mpitsang a re tshimo e, e e selekanyo sa ditema tse tlhano, e tlaa thusa bogolo jang banni ba ba senang fa ba ka lemelang teng mo digotlong tsa bone sebaka sa go itemela. E re ka go twe mokoduwe go tsosiwa o o itekang, Mme Mpitsang le komiti ya gagwe ba setse ba isitse kopo ya bone kwa khanseleng gore ba thusiwe ka madi le ka boitseanape jwa go dupa mmu le metsi kwa lefelong la tshingwana ya bone. society 9 UCCSA e akgola moruti Phuthego ya UCCSA kwa Makopong e akgoletse moruti wa bone Moruti Cosmos Ngoreng go bo a tsisitse pharologanyo mo kerekeng eo ka go gogela banana mo go yone. Maloko ka go farologana mo kerekeng ya UCCSA kwa Makopong ba ne ba lebogaba bo ba akgola Moruti Ngoreng ka tiro e ntle e a e dirang ya go ba etelela pele, go ba gakolola, go aga phuthego, go ba kaela le go ba gogela mo leseding ka lefoko la Modimo bogolo jang banana. Fa a leboga moruti motiakone mo kerekeng eo, Rre Pesalema Bimbo o ne a tlhalosa gore fa e sale moruti a romelwa mo phuthegong ya UCCSA ngwaga o o fetileng go nnile le pharologanyo ka go le pele go ne go lebega kereke eo e tsenwa fela ke bagolo. Mo letsatsing la Matlhatso la go leboga moruti, Rre Bimbo o boletse fa moruti gareng ga tse a di dirileng a fetotse banana ka go simolodisa dithuto tse di akaretsang tsa Baebele, tshidilo maikutlo fa ba na le mathata le gone go ba tlogedisa tsotlhe tse di duleng mo tseleng go ithuta le go tlhaloganya lefoko la Modimo. O kaile fa Moruti Ngoreng e le moruti wa motia yo o lorato ka a tsosolositse mewa ya batho ba le bantsi ka go phutha le go kokoanya maloko a kerere eo ka go ba etela kwa malwapeng go rapelela ba ba sa tsogang le gone go ba jesa bothito jwa lorato ka go ba rerela mafoko a a boitshepo. Sebui sa tlotla mo letsatsing leo o ne a tshwantshanya moruti ka go nopola temana nngwe mo Baebeleng mo lokwalong lwa ga Genenis 3: 1-3 a a reng, ‘tloga o tswe mo lefatsheng la ga eno le lolwapa lwa ga rrago o ye kwa lefatsheng le ke tlaa go le bontshang mme ke tlaa go segofatsa gammogo le ba ba go segofatsang’. A re gape go tshwaragana le moruti le go mmulela dikgoro mo dipelong tsa bone go ka mo thusa tiro ya gagwe go e dira a phuthologile ka lorato le matsetseleko ka dinako tsotlhe. Phuthego ya UCCSA kwa Makopong ba ne ba abela moruti P6 586 go tswa mo mekgatlhong e e farologaneng ya kereke, dijana, dipodi tse tlhano le dikoko di supa e le tsela nngwe ya go mo leboga, go mo amogela, le go supa lorato mo go ene gore a tle a rotloetsege go dira tiro ya gagwe ka botswerere. Fa a amogela dimpho tseo, moruti Ngoreng yo o tlholegang kwa Maun, o lebogetse kemo-nokeng e a e filweng ke mohumagadi wa gagwe le diphuthego tsa UCCSA tse a di okametseng di akaretsa Makopong, Draihoek, Kokotsha, Werda. O lebogile le barulaganyi ba tiro eo tse a di okametseng ka tiro e ntle e ba mo e diretseng ka e le sesupo sa lorato mo go ene. A re seo ke sesupo sa gore o botlhokwa mo go bone le gore tsotlhe tse a di ba direlang ba a di itumelela le go di kgotsofalela mme a ba solofetsa gore o tlaa tswelela a dira thomo ya gagwe e a e romilweng ke Modimo ka a ineetse le go ikana gore o tlaa e dira ka botswapele dika nako tsotlhe fa e mo tlhokang teng. Moruti Ngoreng, yo e eleng monana o ne a supa fa pitso ya Modimo e tlhokana le motho yo o inetseng, a ititeile sehuba go intshitsa setlhabelo go ya gongwe le gongwe kwa a bitswang teng go sa kgathalesege gore o ya bokgakala jo bokae le gore o kgaogana le batsadi ba gagwe le ba lolwapa lwa gagwe. Fa a ntsha bopaki mo letsatsing leo mongwe wa banana, Rre Teko Chimbombi o ne a supa fa dikgakololo le thoetso ya mouti ya go ba gogela mo kerekeng ene le ba bangwe e ba thusitse ka go ba bula ditlhaloganyo go fetoga mo meweng le gone go kgatlhegela go direla modimo ka dinako tsotlhe. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Baikopedi ba a rutintshiwa Baikopedi ba lenaneo la nyeletso lehuma ba rutintshitswe ka tlhokomelo ya leruo. E rile a bua kwa dithutong tseo, mogolwane go tswa kwa lephateng la Temo-thuo Rre Karabo Tshweneyame, a supa fa leruo le tlhokomelwa ka go agelwa masaka, go nosiwa metsi a a phepa, go kentwa le go tomolwa dikgofa. O tlhalositse gore fa ba bona podi mogatla wa yone o konegetse kwa tlase, e wa kana e tshologa mamina, ba itse gore e a lwala mme ba lekodise mokenti. Rre Tshweneyame o tlhalositse fa motshotelo o sa tshwanela go nna montsi mo sakeng, a supa gore fa o le montsi o kgona go baka bolwetse jwa tlhakwana. O ba gakolotse go fokoletsa motshotelo kwa masimo go dira menontshane ka one. O ba tlhaloseditse gore fa podi e dusa ba tshwanetse go e disa thata, mme fa ba belaela gore e tsamaela go tsala ba seka ba e bolotsa. O boletse gore podi fa e tsamaela go tsala e robala e tsoga kgapetsakgapetsa, e tswa metsi ka fa tlase le mabele a yone a a sisa. O tlhalositse gore fa potsane e sena go tsalwa e tshwanetse ya tlhokomelwa thata ka e tshabelelwa ke malwetse mme e tshwanetse go kentwa ka Sulfa 16 e na le dikgwedi tse pedi, a bo a supa fa podi e tshwanetse go tshwaiwa le go rwesiwa manyena a a kwadilweng nomore ya mogala. O ba gakolotse gore fa dipodi di tsala dipholwana ba di fokotse ka go di rekisa, a supa maikaelelo a go rua ga bone e le go intsha mo lehumeng. Rre Tshweneyame o ba kopile gore fa ba kenta ba kwale gore ba kentile leng le gore ba ne ba kentela eng. O supile gore fa seruiwa se ka swa se kentilwe ba tlaa kgona go lemoga ka mokwalo gore a lebaka la gore mokento o bo o fedile mo go sone le fetile kana nnyaa. O tlhalositse fa go le botlhokwa go kentela bolwetse jwa diphilo ka Moranang le Phalane, a bo a ba kopa go bona mokenti go ba rekela melemo. O kopile baikopedi ba lenaneno leo gore ba tlhokomele leruo thata a bo a ba kopa gore fa e le sengwe ba gaisane, a bo a ba kopa gape gore fa ba lemile ba seka ba latlha sepe se se tswang mo masimo, mme ba se sile ba bo ba se bee sentle gore ba tle ba se dirise ka nako ya leuba. O tlhalositse fa go na le mefuta e e farologanyeng ya dinwamadi. Mogolwane go tswa kwa lephateng la Temo-thuo Rre Namogang Keitihetse o ne a ba gakolola go baya dijo tsa leruo sentle gore di seka tsa jewa ke dipeba le dikatse, a supa fa mantle a dilo tse a na le botlhole. O kaile fa go tlhokomela leruo go itsa gore go seka ga nna le ditshenyegelo, a ba kopa go katela motlhana fa o wetse mo sakeng go itsa go okela dintsa mo sakeng. O supile gore fa podi e rata go ikgotlha ka setlhare kana ka terata e supa gore e batla go tipiwa. O ba rutile gore fa podi e na le tlhagala ba e lese e butswe, ba e beole fa tlhagaleng ba bo ba sega ka legare mme ba e tamole. Rre Keitihile o supile fa go le botoka go thibela bolwetse go na le go bo alafa. Baikopedi ba lenaneo la nyeletso lehuma ba ne ba supa fa le bone ba ithutile sengwe, ba supa fa ba tlaa botsa mokenti fa ba sa tlhaloganye. Ba supile fa ba itse gore ba ruela go intsha mo lehumeng, ka jalo ba tshwanetse go tlhakomela leruo. education 4 Learo la borre le tswa bogologolong Motshwarelela molaodi wa kgaolo-potlana ya Serowe Rre Collin Tubego a re learo la borre le tswa bogologolong le ntse le dirwa. Rre Tubego a re se, se supiwa ke gore le teng mo ngwaong e bile go buiwa ka lone le mo Baebeleng. O ne a bua jalo ka Labotlhano kwa tirong ya tshimolodiso semmuso ya learo le le babalesegileng la borre le le simolotsweng ka Phalane go fitlhelela Mopitlo ngwaga o o tlang mo kgaolo-potlana ya Serowe. Tiro e, e dirwa ke lephata la botsogo le boitekanelo ba tshwaragane le mokgatlho wa Ghumba Faya le seromamowa sa Duma. Rre Tubego a re mo dingwaong ka go farologana mo lefatsheng leno, basimane ba dira learo la borre fa ba ile go rupa e bile gape go na le ditemana tse di buang ka learo la borre jaaka mo go Luke kgaolo ya bobedi temana ya masome mabedi le bongwe le mo go Genesis kgaolo ya lesome le bosupa temana ya lesome le bone. Ka jalo Rre Tubego a re batho ba seka ba tsaya gore learo la borre ke tiro nngwe e e sa siamang. Rre Tubego o ne a rotloetsa borre go dira learo le le babalesegileng la borre ka le thusa rre go nna a le phepa ka dinako tsotlhe e bile le na le kgonagalo ya go fokotsa kanamo ya mogare ka selekanyo sa 60%. A re go dira learo le le babalesegileng la borre go a busetsa ka go kgona go sireletsa mme yo o tshelang le rre mo malwetseng a tshwana le kankere ya molomo wa popelo. Mogokaganyi wa ditirelo tsa learo le le babalesegileng la borre mo lephateng la botsogo le boitekanelo Rre Conrad Ntsuape o ne a supa fa ba lephata la botsogo le boitekanelo ba itemogetse fa borre ka bontsi ba ise ba dire learo le. O kgothaditse ba motse wa Serowe le metse e e mabapi go tsaya tiro ya letsatsi leo e le sone sebaka sa go ara ka ditirelo tseo di tlaa bo di le mo kgaolong ya bone. A re baoki ba ba iseng ba isiwe dithutong tsa go ara ba tlaa isiwa dithutong go fefosa thulaganyo e e tlaa bong e dirwa e e tlaa tsayang dikgwedi di le thataro. Moeteledipele wa lephata la kganelo malwetse mo lephateng la Botsogo le Boitekanelo Mme Cathrine Garebatho o ne a tlhalosa fa learo le le sireletsegileng la borre le direlwa mo bophepeng. A re thulaganyo ya learo le le babalesegileng la borre e tlaa tsaya dikgwedi di le thataro mo kgaolong-potlana ya Serowe mme tsholofelo ke gore go dirwe borre ba le 2 500 ba dingwaga tse di yang kwa go masome a mabedi le boferabongwe. health 6 Monna o bolailwe ke koloi kwa Kanye Mapodisi a Kanye a mo ditlhotlhomisong mabapi le loso lwa monna mongwe wa kgotla ya Mpuutsane mo Kanye yo o neng a thulwa ke koloi bosigo jwa Matlhatso, Phukwi a le 14 mo tseleng ya Kanye/Mmathethe gaufi le diofisi tsa ba mesepele mme a tlhokafalela gone foo. Se se boletswe ke mogolwane wa mapodisi a Sejelo mo Kanye Superintendent Mogomotsi Matlapeng mo potsolosong le Supt Matlapeng o tlhalositse gore moswi o dingwaga di masome a mabedi le boferabongwe mme o ne a thulwa ke koloi e e neng e kgweediwa ke monna mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le boferabongwe wa Mmopane Block 1. Supt Matlapeng o tlhalositse fa rre yoo a ne a inaya naga a sena go thula motho, mme morago a tloga a ipega kwa mapodising mabapi le tiragalo eo. A re ka jalo rre yoo o mo diatleng tsa mapodisi go ba thusa ka ditlhotlhomiso. O tlhalositse gore e rile maabane a isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata mo Kanye go arabela molato wa go thula motho a bo a sia, le wa go kgweetsa ka bofafalele mo go feletseng go baka loso lwa motho. O tlhalositse gore moswi o beilwe kwa setsidifatsing sa ga Pule mono go tla a tlhatlhojwa ke ngaka. A re le fa go ntse jalo o leboga banni ba Kanye go bo ba ne ba itshwere sentle ka malatsi a boitapoloso kwa ntle ga yone kotsi eo fela e e gapileng botshelo jwa motho. A re le fa go le jalo ba sepodisi ba santse ba tshwenngwa ke borukutlhi jo bo diragalang bosigo mono Kanye jo batho ba amogwang dithoto tsa bone jaaka dithelebishini le tse dingwe, mme a ikuela mo go ba ba amegang go emisa go dira tiro e e setlhogo eo. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Mosele wa pula o epiwa go sale gale E re ka motlapele a rile mosele wa pula o epiwa go sale gale, balemi kwa motseng wa Gambule mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba tshwere ka thata go baakanyetsa paka ya temo. Mo potsolotsong bosheng, balemi bangwe ba motse oo ba supile fa ba setse ba weditse ipaakanyo mme ba letile fela motlhang marothodi a tla kolobetsang lefatshe go ba letla go tlhoma megoma. Mme Dumano Ndaule o ne a tlhalosa fa ene a setse a weditse go rema le go tsosa terata ya tshimo ya gagwe. Le fa gone a ise a amogele dipeo tsotlhe ka ya mmidi e ne ya tlhaela, o na le tsholofelo ya gore ba tlaa thusiwa mo nakong e e seng kgakala gore fa pula e na ba seka ba siiwa ke bokgola ba santse ba letile peo. Ka kgang ya thotloetso ya puso ya gore balemi ba simolole go jwala ka ditselana, Mme Ndaule o ne a supa gore le fa go lebega go dira jalo go tlaa nna bokete, o tla leka ka natla go sala morago dikgakololo tsa balemisi. O supile fa go le botlhokwa thata gore e re ba fiwa dikgakololo le maele a go tlhabolola temo ya bone ba seka ba di ikgatholosa ka go dira jalo e ya bo e le go ithala ka thipa mpeng. Go sale foo, Mme Ndaule o ne a lela ka tlhaelo ya diterekere mo kgaolong ya bone, a supa fa e kgoba marapo ka bangwe ba felela ba lema morago ga nako mme ba seke ba tswe ka sepe mo masimo. Le fa gone a dikile a bone thobo fela e e felelang mo seatleng, o na le tsholofelo ya gore e re ka ngwaga di sa tle ka go tshwana, temo ya ngwaga ono e tlaa nna le maduo a a nametsang. Molemi wa monana Mme Norgate Tsheko le ene o tlhalositse fa a eme sentle go ya go baa tema e le lantlha mo a dira jalo mo botshelong jwa gagwe. A re dingwaga tse di fetileng o ntse a sa kgone go fetola toro ya gagwe ya go itirela dijo boammaaruri ka a ne a sena digogi. Go fetola seemo se, a re o ne a kokotletsa lemme le a ntseng a le bona ka go tshwara-tshwara mo lenaneong la Ipelegeng go ithekela sepane sa ditonki gore le ene a dike a lemile. A re le fa gone a sena tshimo e e leng ya gagwe, o ne a bona go le botlhokwa gore a seka a phutha matsogo fela, ka jalo o ne a kopa mongwe mo motseng go mo segela fa a ka lemang teng mo tshimong ya gagwe. Le fa Tsheko a tlhorwa boroko ke go kwakwalala ga legodimo mo go tsweletseng mo nakong eno, a re o santse a na le tsholofelo ya gore seemo se tlaa fetoga mo nakong e e seng kgakala. Mme Tsheko o ne a ikuela mo bananeng ka ene go tlhagafalela temo, a tlhalosa gore le fa ntswa dingwaga dingwe di nna tsa leuba, ga se mo mabakeng a le mantsi mo motho a ka tswang a sa tsaa le fa e le ka kopi. Molemi yo mongwe Rre Moses Diyeve ene o ne a farologana le ba bangwe ka a ne a supa fa ene a ise a simolole go baakanyetsa temo. O ne a supa fa mo nakong eno a santse a letile gore pula e kgabole. Mo go reng maikutlo a gagwe ke eng ka go lema ka ditselana, Rre Diyeve o ne a supa fa tota a sa tlhomamise fa a tlaa kgona go dira jaaka puso e rotloetsa. O ne a tlhalosa fa go rothisa peo ka seatla e le tiro e e seng bonolo e bile e le bonya mo e ka siisang motho bokgola. O kaile fa keletso ya gagwe e le gore puso e ka bo e ne ya tlosolosa tshimolodiso ya go lema ka ditselana go fa Batswana sebaka sa go e ipaakanyetsa. A re tshwetso e e tserweng e setse e mo tsentse boitlhobogo jwa gore a tota o tlaa kgona go bona madi a temo mo letsemeng la monongwaga. BOKHUTLO society 9 Mogolwane o ganetsa balwetse Mogolwane mo kokelong ya Mahalapye, Mme Boingotlo Matlho o ganeditse dingongorego tsa balwetse ba ba reng ba ne ba laelwa go boela kwa malwapeng ba sa bona thuso ka jaana go twe dingaka di a tlhaela. Mme Matlho o ganeditse magatwe ao morago ga balwetse ba ba akaretsang Rre Moamodi Moseki, Rre Seven Raditau le Mme Baboloki Kadimokwa ba iteela BOPA kwa Mahalapye mogala ba ngongoregela go tlhoka go thusiwa ka kalafi ntswa ba sale ba rwele masigo ka tlhogo go ya go bona bongaka. A re e re ntswa go na le tlhaelo ya bodiredi fale le fale, gone ga go na letsatsi lepe le balwetse ba tleng ba busediwe kwa malwapeng ba sa bona thuso ka jaana ba na le dingaka di le masome mabedi le bobedi, tse mo go tsone go nang le bo matwetwe ba le lesome le botlhano ba ba lebaganeng le go thusa balwetse letsatsi le letsatsi. Mme Matlho o boletse fa balwetse ba na le tshwanelo ya go ikopanya le botsamaisi jwa kokelo fa go na le badiri bangwe ba kokelo eo ba ba ka tswang ba ba latlhelela kana ba sa ba thuse ka fa tshwanelong. A re fa go na le makgwere mangwe mo kokelong ba kgona go a lekodisa balwetse gore ba nne ka kitso. Mme Matlho o tlhalositse fa kokelo ya Mahalapye e amogela balwetse ba ba tswang mo metseng ya Shoshong, Kalamare, Mokgenene, Mookane, Dibete le Mmaphashalala fa ba ba tswang mo dikgaolong tsa Francistown, Tonota, Bokone botlhaba, Bobonong le Maun e le ba ba tsileng go bona ngaka ya marapo. health 6 Maele o galaletsa badirela puso Badirelapuso ba kgaolo potlana ya Palapye ba akgoletswe go tsaya boikarabelo mo ditirong tsa bone. Se se tlhalositswe ke mopalamente wa Tswapong Bokone, Rre Prince Maele, mo phuthegong ya bodirela puso e e neng e biditswe go tla go mo fa pego e e tletseng ka botsogo jwa kgaolo ya gagwe. E ne yare ba mo rolela dikgang tsa kgaolo ya gagwe, bontsi jwa badirelapuso ba supa fa tlhaelo ya madi ele yone e ba paledisang go dira ditiro tsa bone ka manontlhotlho. Ba re fa madi a ne ale teng, dilelo tsa batho ba kgaolo di tshwana le tlhaelo ya dikoloi le bodiredi; go salela morago ga ditsela tse di lomaganyang metse; tiego ya dikatso tsa bao ba tseetsweng lefatshe le tse dingwe, e ka bo ele selelo sa maloba. Bagolwane ba maphata ba ne ba itoka mogo mopalamente, ba supa fa sengwe se se ba paledisang mo maitekong a bone ele bophara jwa kgaolo tse ba di okametseng. E rile a latlhela la gagwe, mookamela Lekalana la Dikoloi tsa puso go tswa Mahalapye, Rre Sephiri Molefhi, a supa fa go simolodisiwa ga go ipaakanyetsa dikoloi ke maphata go ba rotse morwalo le gone gore dingwe dikoloi di baakangwe ke makalana a a ikemetseng. Rre Molefhi a re le fa go ntse jalo, go tsewa ga makalana a khansele ke puso gone ga ba busetsa gape mo go imelweng ke tiro, ka bontsi jwa dikoloi di tsile ele dikgoropa, bogolo jang tsa dikokelo le dikokelwana tse a rileng ke tsone di kgaritlhileng madinyana a baneng ba abetswe go di baakanya le tse dingwe tsa maphata a mangwe. A re kgwetlho ke gore ditshipi tsa dikoloi dia tura, ka jalo ga ba kgone go emelana le seemo sa go di baakanya ka nako. O boletse fa gape go tsaya nako go bona tsone tse ba ditlhokang kwa ba rekang teng , mo a neng a felela a kopa gore Palapye e nne le mabaakanyetso a dikoloi tsa puso, go fokotsa mosuke o o teng kwa Mahalapye. Ba dikago ba ile ba supa fa kgaolo ele bophara, mme ba ntsha letshwenyego la gore e bo go sa ntse go dirisiwa dikago tsa Asbestos, tse ba rileng ga di a siamela le jone botsogo tota. Bodiredi jo bongwe jaaka ba ditsela, ba ne ba supa fa tlhaelo ya madi le didirisiwa ele one mathata a a ba paledisang tiro, mme ba supa fa ditsela tse dingwe ba di neetse boradikonteraka, fa tse dingwe di dirwa ke bone. Ba lephata la metsi bone ba ne ba supa fa ba leka bojotlhe go siela metse ya magae metsi, sebe sa phiri jaanong ya bo e nna gore, fa ba gokela dipompo tsa sesha tsa dikarata tse di nosang morafe, batho ba a di senya; segolo jang kwa motseng wa Majwaneng. E ne yare a tswa la gagwe mopalamente, a supa boitumelo; gore le fa madi ele sekgoreletsi, bodiredi bo a leka, ga bo a itshopara fela. O ne a lebogela pego eo, a re ke yone therisano, neelano le tirisano mmogo, e le ene etlaa mo kgontshang go araba dipotso tsa mo diphuthego tsa gagwe ka tshosologo, a itse sentle mathata a a teng gona le go abelela fela. A re moonomogolo wa bodiredi ke go isa ditlamelo kwa bathong, a tlatsa ka gore fa gona le tshwaragano ga go kake ga nna le mathata ape. Fa ntsha malebo, mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Palaye, Rre Boikago Maswabi, o ne a re tshwaragano le tirisano mmogo ya bodiredi, borara le mapalamente, e ka isa lefatshe leno kwa mankalankaleng ka go isa ditlamelo kwa bathong le gone go bona gore mananeo a puso a a diragadiwa ka nako e e tshwanetseng. politics 7 Monni wa Sehithwa o akgola puso Mme Tsholofelo Tiroyakgosi wa dingwaga tse di masome a matlhano le bongwe, wa kgotla ya Kgalagadi kwaSehithwa, o akgola lenaneo la nyeletso lehuma go bo le mo inotse mo lehumeng la nta ya tlhogo. O buile mo potsolotsong bosheng fa lephata la boipelego le ne la tsaya tshwetso ya go mo tsenya mo lenaneongla nyeletso lehuma ka kgwedi ya Moranang 2014. Mabaka e ne e le go bo a na lebokoa mo mmeleng, ka jalo go mo paledisa go direla bana ba gagwe. Mme Tiroyakgosi o ne a itlhophela thuo ya dikoko tsaSetswana. Puso e ne ya mo abela dikoko di le masome a mabedi le botlhano, gore asimolodise kgwebo e e tlaa mo tshetsang le ba lelwapa la gagwe. A re o ne aseka a ipona tsapa, a amogela kgwebo e ka diatla tsoopedi. O ne a tlhalosa gore mo bogompienong, dikoko tse diatile e bile di masome a mane le bosupa ka palo. Mme Tiroyamodimo o ne gape asupa fa monate wa go rua dikoko ke gore puso e ba rekela dijo tsa dikoko ebongmoroko, mabele le tse dingwe ka jalo go hema gore ba dirise dipoelo tsabone. A re o na le bareki ba ba mokawana mo motseng. O rekisa dikoko tse di namagadi P55 fa mekoko e le P100. O kaile fa lephata la boipelego ga mmogo le ba lenaneo lanyeletso lehuma e le batho ba ba boineelo ebile ba dira tiro ya bone ka Se, se ne sa mo rotloetsa gore a tie moko e bile a nnepelotelele mo kgwebong ya gagwe. O tsweletse gape a re o eletsa go godisa kgwebo ya gagwe kago aga tshingwana ya merogo, a dirisa motshotelo wa dikoko tsa gagwe. Se se tlaadira gore a nne le dipoelo tse di botoka go feta fa. E re le ntswa kgwebo nngwe le nngwe e seke e tlhoka dikgwetlho,o tlhalosa fa kgwebo ya gagwe e lebaganwe ke kgwetlho ya dibatana tse di mojelang dikoko. Se se ka tswa se dirwa ke gore o santse a kgobokanya madi a goaga legora le le nonofileng go kganela dibatana tse. economy_business_and_finance 3 Kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana e a tshwenya Mogolwane wa Social Performance wa meepo wa Orapa Letlhakane le Damtshaa, Mme Ketsile Molokomme a re dikgang tsa kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana ke nngwe ya matshwenyego a matona lefatshe ka bophara. Mme Molokomme o buile jaana kwa mogwantong kgatlhanong le dipetelelo, o o neng o rulagantswe ke sekole se segolwane sa Ditsweletse kwa Letlhakane bosheng. A re dikgang tse di amang bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro di a tshwenya ka go a bo go tlhokofadiwa mewa e e senang molato. Mme Molokomme o ne a akgola dikole tsa Letlhakane gammogo le setshaba go bo ba bone go tshwanela gore ba gwante kgatlhanong le dipetelelo tse di amang bana. A re ba dira jaana go kgalemela le go sireletsa basetsana mo dikgannyeng tsa kgokgontsho. O supile fa mongwe le mongwe a tshwanetse go ema nokeng bana ba ba amilweng ke dipetelelo. O tlhalositse gore go tshwanetse ga emisiwa ditiragalo tse di masisi tsa dipetelelo tsa bana tse di tsweletseng, a tlatsa ka go re kgokgontsho ke selo sa maloba ga se dikgang tsa dingwaga tsa gompieno. Mme Molokomme a re puso e eme ka dinao go lwantsha kgokgontsho ya bomme le basetsana, a tlhalosa fa e le nngwe ya mananeo a a tseetsweng kwa godimo. A re mogwanto o o tsholetsa lentswe la selelo sa bana le setshaba kgatlhanong le kgokgontsho ya bomme le basetsana. Kgaolo ya sepodise ya Letlhakane e gatisitse melato ya dipetelelo e le 35 mo go tsone di le thataro e le tsa bana ba sekole sa Ditsweletse. Ditiragalo tse di gatisitswe mo dikgweding di le tharo. Mme Molokomme a re go botlhoko ka gore dingwe tsa melato e segolobogolo tsa bana ga go a tshwarwa ope mo go tsone. A re dikgokgontsho tsa bomme le bana di senyetsa bana bokamoso gape di kgona go ama botsogo jwa bone. Mme Molokomme o ne a kgothatsa baithuiti go reetsa barutabana, batsadi le boeteledipele jwa motse. A re ba itse fa mebele ya bone e le tempele ya Modimo, ka jalo ga e a tshwanela go leswafadiwa. O kopile batsadi go tlhokomela bana a re ba seka ba loba dikgokgontsho tse di diragalelang bana gape ba seka ba gweba ka bana ba basetsana, ka go dira jalo e le molato. BOPA crime_law_and_justice 1 Balwala tlhaloganyo ba tlhoka tlhokomelo Mooki mo sepateleng sa Sbrana kwa Lobatse, Mme Mary Segokgo a re balwetse ba tlhaloganyo ke batho fela jaaka mongwe le mongwe, ka jalo ba tlhoka go fiwa lerato le tlhokomelo e e tshwanang le ya batho ba bangwe. Fa a bua kwa segopotsong sa go gopola ba ba tlhokafetseng ka ntlha ya HIV/AIDS kwa Pitsane bosheng, Mme Segokgo o ne a tlhalosa fa bolwetse jwa tlhaloganyo bo sa fole mme fa molwetse wa jone a fiwa lerato ebile a tlhokomelwa nako tsotlhe, o nna botoka. O ne gape a kopa batsadi le ba ba nnang le balwetse ba tlhaloganyo go bona gore ba nwa dipilisi tsa bone ka nako le gone go ba isa bongakeng ka nako e e beilweng, a supa fa go le gantsi ba leselediwa fela ba sa thusiwe. A re bangwe ba na le mokgwa wa go bitsa balwala tlhaloganyo maina mme o kopile gore go emisiwe mokgwa oo. O boletse fa bolwetse jwa tlhaloganyo bo tsalwa ke go koafala ga tlhaloganyo mme bo ama boboko, a tlatsa ka gore molwetse wa teng o lemogiwa ka boitshwaro jo bo sa tlhwaelesegang jo ene molweste a sa bo lemogeng mme a lemogiwa ke ba bangwe. Mme Segokgo o tlhalositse fa ditagi,dikgwetlho mo matshelong a batho ka go farologana, go tlhaela dikotla, dikotsi tse di amang tlhaloganyo le bolwetsi jwa letshoroma e le dingwe tse di ka bakang bolwetsi jwa tlhaloganyo. O gakolotse setshaba go nna kelotlhoko nako tsotlhe fa ba na le molwetse wa go nna jalo. O tsweletse a re dingwe dikai tsa molwetsi yoo ke go palelwa ke go robala,mo go dirang gore motho wa go nna jalo a tsoge makuku thata pele ga mongwe le mongwe. O tladitse ka gore molwetsi o kgona le gone go supa go tlhoka kgatlhego mo botshelong. A re go le gantsi ba masika ba tla a bo ba lesa molwetse a tsamaya thata ba sa tlhokomele go ja ga gagwe ka jalo o felela a latlhegelwa ke mmele. Mo go tse dingwe Mme Segokgo o kopile bomme go emisa mokgwa wa go loba bo rrabana. A re bana ba felela ba amega tlhaloganyong. fa bommaabone ba gana go ba bolelela maina a borraabone. O supile fa ba kopana le balwetse ba go nna jalo ba bontsi jwa bone e leng bana. O tsweletse a re ngwana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go itse batsadi ba gagwe botlhe, a tlatsa ka gore go ngomola pelo go bona ngwana a amilwe ke bolwetsi ka ntlha ya motsadi wa gagwe. BOKHUTLO education 4 Banana ba rotloediwa go inaakanya le temo thuo Banana ba Thamaga ba rotloeditswe go inaakanya le temo-thuo ka jaana kgaolo e ba leng mo go yone e siametse tsotlhe ka bobedi. Se se builwe ke mothusa tona wa temo-thuo Rre Kgotla Autlwetse bosheng fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo. O ne a rotloetsa banana go nna tlhaga ka jaana ba santse ba na le natla ya go dira mo temong, a tlhalosa fa batsadi ba bone ba dirile ya bone tema ba e weditse. O ne a ba rotloetsa go lema dijo tsa dikgomo go itsa gore goromente a reke kwa mafatsheng a sele, a re go reka dijo kwa mafatsheng a sele go dirwa ke gore batho mo lefatsheng leno, ga ba ntshe dijo tsa dikgomo tse di lekaneng. O ne a ba kgothatsa go dirisa mananeo a tshwana le la ISPAAD go lema le go ntsha dijo, mme a rotloetsa batsadi go ruta le go kgothatsa bana ba bone gore ditiro ga se tse di ithutetsweng kwa dikoleng fela mme le tsa diatla di na le bokgoni ja go boloka motho. E rile mongwe wa batsadi, Mme Julia Kolobe a mo kgwa dikgaba, a tlhalosa fa ba na le keletso e ntsi ya go lema bothata e le dipula tse di boutsana mo kgaolong ya bone. O ne a ntsha mogopolo wa gore puso e sekaseke go ba epela didiba e le yone tsela ya go leka go thusa ka metsi. Mo go tse dingwe, morafe o ne wa ngongorega ka leruo le le nnang mo motseng. ENDS society 9 Lelwapa le thusa sekole sa Mokgware Dr Sofisto Nthobatsang le ba lelwapa la gagwe ba itlhophetse sekole se se botlana sa Mokgware kwa kgaolong ya Legare ba bo ba se fa dikgomo di le nne, tse ba tlaa di abang ngwaga le ngwaga mo dingwageng tse nne. Sekole seo se bone maduo a ntlha mo kgaolong ya botlhatlhobi jwa dikole ya Palapye Borwa a lekwalo la bosupa. E rile a bua kwa moletlong o o neng o diretswe bana ba lekwalo la bosupa bosheng, Dr Nthobatsang yo e leng mongwe wa boradithuto yo o diretseng lefatshe leno mo mererong ya tsa thuto mme a tlogetse tiro, a lebogela matsetseleko a barutabana ba sekole seo ba dirang tiro ka one. Dr Nthobatsang a re matsetseleko ke kgwetlho e e tlhokang bopelotheri, popagano le tirisano mmogo ka maitlamo a a lolameng a go ntsha maduo a a eledisang lethe. O boletse gore fa go sena tshwaragano, maduo ga a kake a nna teng. O tlhalositse fa thuto e nyeletsa dipharologano, a tlatsa ka go supa fa go sena motho yo o tsholetsweng khumanego kana yo e seng wa sepe. A re motho mongwe le mongwe ke ene a ipeelang seelo sa botshelo gore o batla go tshela jang le go nna eng mo setshabeng. A re o lemoga sentle gore dikgwetlho di teng mme fela baithuti ba tshwanetse go leka bojotlhe go di lwantsha ba ikitaya sehuba gore le bone fela jaaka ba bangwe ba batla go ipona e le batho ba ba rileng mo setshabeng. Mongwe wa ba ba neng ba tsene moletlo oo, Rre Phillimone Makgwenngwe wa merero ya tsa kgwele ya dinao, o ne a abela sekole seo dikgwele di le lesome fa VDC e se abetse di le pedi. Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Lesedi Phuthego ene o ne a neela bana bao melora le tsotlhe tse di tlhokegang mo go iphepafatseng mme a ba kopa go nna le tebelelo pele mo dithutong tsa bone gore ba tle ba tlhabolole motse wa bone mo isagong. BOKHUTLO education 4 Ditlhapi di a swa kwa Thune Mapodisi a Bobonong a tlhagisa setshaba gore ba emise go tshwara le go ja ditlhapi tsa letamo la Thune ka di a swa, mme go sa itsewe se se di bolayang. Ramapodise wa kgaolo e, Superintendent Paul Seoko a re ba amogetse pego e e supang fa ditlhapi kwa letamong leo di simolotse go swa Ngwanatsele a tlhola malatsi a le lesome le boferabongwe mme mo sebakeng seno ga go ise go itsiwe se se di bolayang. Rre Seoko o boletse mo potsolotsong gore bontsi jwa ditlhapi bo sule, mme a tlhagisa setshaba go emisa go ja ditlhapi tse ba sa itseng botsogo jwa tsone, bogolo jang tse di tshwerweng kwa Thune. A re ba lephata la diphologolo le makgabisanaga ba tsere masalela a dingwe tsa ditlhapi le metsi go ya go tlhatlhojwa go bona gore matsapa di a tsaya kae. O supile fa go jewa ga ditlhapi go atile mo kgaolong eo, bogolo jang tse di tshwarwang kwa Thune. Superintendent Seoko a re e le mapodise ba begetswe ka go swa ga ditlhapi kgwedi eno e tlhola gane. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Batswana ba gopola baithuti Ditirelo tsa segopotso sa baithuti ba Matsha College ba ba tlhokafetseng mo kotsing ya koloi ka Labotlhano wa beke e e fetileng di tlaa tshwarwa gompieno kwa Salajwe mo kgaolong ya Kweneng Bophirima le Kang kwa kgaolong ya Kgalagadi. Tirelo ya segopotso kwa Salajwe e tlaa tshwarelwa kwa kgotleng kgolo ya motse oo ka nako ya boferabongwe mosong ono, mme e tlaa tsenwa ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama, bagolwane ba puso, batlotlegi ba bangwe le setshaba ka kakaretso. Kwa Kang, tirelo ya segopotso e tlaa tshwarelwa kwa sekoleng sa Matsha kwa bana ba neng ba tsena sekole teng ka nako ya bobedi mo tshokologong. Go sa le foo, bakwaledi ba maphata a puso ebong Rre Richard Matlhare wa thuto le tlhabololo dikitso, Mme Kebonye Moepeng wa merero ya Ofisi ya ga Tautona le Bodirelapuso, Mme Shanaaz al Halabi wa lephata la botsogo le Rre Molefi Keaja wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae ba patilwe ke bodiredi jwa ofisi ya ga molaodi le khansele kwa Kweneng ba ne ba ile go lekola batsadi ba bana ba ba tlhokafetseng mo kotsing eo. Loeto lo, lo lo neng lo akaretsa metse ya Salajwe, Mantshwabise, Sorilatholo, Khudumelapye le Takatokwane, e ne e le lwa go isa matshediso le kemonokeng ya puso kwa batsading le go thusa mo dithulaganyong tsa phitlho. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Go itsaya motlhala go ka busetsa bojammogo Kgosana Mokgethi Gaotlotle go tswa kwa kgotlaneng ya ga Monyemane kwa Kang, o gwetlhile banni ba motse go itsaya motlhala go tlhomamisa gore ba tsosolosa mowa wa go abelana, segolo bogolo mo go ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. O buile jalo ka Matlhatso jaaka Kereke ya Evangelical Religious Unity Church go tswa mo Kang ba ne ba abela Mme Tshediso Kgotlane dimpho tse di akaretsang dijo, diaparo le madi. A re go tswa goo Lowe, batho ba ne ba tshela ka go kgaogana tlhogo ya tsie le baagaisanyi gore bana ba seka ba wela mo isong, mme seo se nonotshe mowa wa bopagano mo bathong. A re fa batho ba ka tsweledisa mokgwa o montle wa go thusana, botlhoki bo ka fokotsega ka jaana bontsi bo tlaa kgona go bona sebaka sa go tshela botshelo jo bo eletsegang gammogo le gone go nna le seriti. Fa a tswa la gagwe, Mookamedi wa kereke ya Unity, Moruti James Khumanego, o gwetlhile dikereke le setshaba ka kakaretso go tsenya letsogo go thusa puso go tlhokomela ba ba tlhokileng lesego. A re batho ba bogologolo e ne e re fa ba boa kwa letsomong ba fete ba abele batlhoki le morafe dinama kwa kgotleng, a tlaleletsa ka go re ba ba neng ba kgonne go atlega mo temo-thuong ba ne ba abelana le batlhoki ka mananeo a a tshwanang le mafisa le majako. Fa a ama phuthego ya gagwe ka lefoko, o ne a ba gothatsa gore ba seka ba inyatsa ka bonnyennyane jo ba bo ntshitseng ka ba tlaa amogela tshegofatso e kgolo go tswa kwa Modimong. Moemedi wa kereke ya Lutere, Rre Henry Maapatsane o ne a kopa ba kereke ya Unity gore tiro e e molemo e ya go abela batlhoki ba seka ba e dira e le ya bone ba le nosi fela mme ba kope dithuso mo mekgatlhong le dikgwebo ka go farologana go e atolosa. Fa a afa malebo mo boemong jwa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Kang, Motshwaramadi, Mme Priscilla Ditlhobolo o ne a lebogela kereke ya Unity go supa lerato ka go abela mongwe yo o tlhokileng lesego mo botshelong. Le fa go ntse jalo o ne a bua a sa kgale mathe ka mokgwa o o kukelang wa lefufa, sepolotiki le makgamu a a supang o kgoreletsa kgolo le maiteko a kereke a go aga setshaba. Mme Kgotlane o ne a supa boitumelo jo bogolo ka go leboga ba kereke ya Unity mme a ba kopa gore ba tswelele fela jalo ka tiro e ntle eo ya go thusa ba bangwe ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.BOKHUTLO society 9 Lekgotla la kabo ditsha le tokafatsa ditirelo Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Bobonong, Rre Kganya Poloko, a re ba kgonne go sekaseka mafelo mangwe mo kgaolong ya Bobonong. Rre Poloko o tlhalositse fa maikaelelo magolo a bone e le go thusa morafe ka manontlhotlho le go leba kwa pele mo isagong, le fa ba na le tlhaelo ya didirisiwa jaaka dikoloi. O boletse fa monongwaga ka kgwedi ya Phatwe, lephata leo le tlaa bo le isitse ditirelo tsa kgaolo ya bone tse ba di kgonneng le tse ba sa di kgonang kwa lekgotleng le legolo la kabo ditsha. “Re laetswe go tshwara diphuthego kgwedi le kgwedi tse ka tsone re tlaa bong re ntsha dipego ka fa re tsweletseng ka teng, e le go leka go bopa le go tiisa ka fa ba thusang setshaba ka teng.” Rre Poloko a re ba tshwanetse ba leka bojotlhe go fokotsa kana go fedisa dingongorego go tswa go ba ba thusang mo lephateng la bone. O tlhalositse fa ba tsile go tswelela ka kabo ya ditsha segolo jang masimo le phetolo ya ditsha le go itebaganya le dikgang tse di amang kabo ya ditsha, a tlatsa ka gore ba sa ntse ba emetse kabo ya ditsha tsa bonno mo metseng e ferabongwe ya kgaolo eo. O kgothaditse maloko a kabo ditsha go tswelela ba bereka ka natla, e bile ba tshwaragane gore ba fitlhelele maikaelelo a lephata le a ipeetseng.BOKHUTLO politics 7 Kgosi Mangongorego o bolokilwe Modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi ebile e le kgosi ya Batlokwa Puso Gaborone o supile fa moswi Kgosi Mangongorego wa Bere e ne e le motho yo o boikobo, bopelotelele, bonolo gape e le motho yo o ratang batho. Kgosi Puso o ntshitse mafoko ao mo phitlhong ya ga Kgosi Mangongorego yo o tlhokafetseng kgwedi e e fetileng e le masome a mararo le bongwe kwa sepateleng sa Letsholathebe Memorial. Kgosi Puso a re ba kopane le Kgosi Mangongorego ka ngwaga wa 2007 e le leloko le ntlo ya dikgosi go fitlhelela ngwaga wa 2009 a supa fa kgosi Mangongorego e ne e le mongwe wa magosi a a neng a lwela gore dikgosi di okelediwe dithata. Modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi a re kgosi e ne e le motho yo o neng a rata go buelela kgaolo ya gagwe le motse wa Bere ebile a rata batho go tshwaragana ka dinako tsotlhe. A re fa a bua ka go isiwa ga ditlamelo kwa kgaolong ya gagwe one a sa kgwe mathe ka jalo Kgosi Mangongorego o tshwanetse go gopolwa ka dinako tsotlhe. Kgosi Gaborone a re one a dira gore go nne le tshwaragano magareng ga Batlokwa le morafe wa Bere ka gore o ne a tsaya morafe wa gagwe go ya kwa Tlokweng go ya go tsaya malebela ka ngwao ya Batlokwa le bone Batlokwa ba ne ba etela motse wa Bere go tla go tsaya maele ka ngwao ya bone. A re selo se se dirilweng ke Kgosi Mangongorego ke selo se se botlhokwa ebile ga a kitla a lebala selo seo. O kopile banni ba Bere gore ba tsosolose gape go etelana go ya kwa pele gore ba tshwaraganele dingwao tsa bone . Kgosi Puso a re tiro ya kgosi ke go aga le go letlanya ka jalo banni ba motse wa Bere ba tshwanetse go tshwaragana gore fa ba batla kgosi ba nne moono mongwe go seka ga nna le dikgogakgogano ebile e le motho yo o nang le boikarabelo ebile a siame. Kgosi Puso a re Kgosi Mangongorego o tshwanetse go gakologelwa ka ditiro tsa gagwe tse a di diretseng morafe wa gagwe le Batswana ka kakaretso. Erile Kgosi Botshelo Lekgothu wa Ghanzi a ntsha la gagwe a tlhalosa fa Kgosi Mangongorego a ne a santse a le monana ka jalo ba ne ba santse ba solofetse tse dintsi mo go ene. Kgosi Lekgothu a re ba kopane le Kgosi Mangongorego ka ngwaga wa 1998 fa a simolola tiro. A re e ne e le motho yo o ditlhong a na le tlotlo e ntsi fa a kopana le bagolo. Kgosi Lekgothu o kopile morafe wa Bere go tshwaragana go batla motho yo o siameng yo o ka tshwarelang bana ba ga Kgosi Mangongorego bogosi jwa bone. A re dikgosi mo lefatsheng la Botswana di a tlhokafala ka gore morafe ga o kake wa nna fela o sena kgosi. Dibui ka go farologanya di ne tsa supa fa Kgosi Mangongorego e ne e le motho wa batho yo o lorato ebile a rata batho go tlhabologa mo motseng wa bone. Ba re e ne e le motho yo o sa rateng go lebela yo mongwe kwa tlase. Moswi o tlogela mosadi le bana ba basetsana ba le bane le wa mosimane, mmagwe le rragwe le bokgaitsadie ba le babedi le bomonnawe ba basimane ba le babedi. society 9 Masisi o lekola matlhabelo Mmuso o lemoga dikgwetlho tse matlhabelo a Botswana Meat Commission (BMC) a di raletseng mme o tlaa leka gotlhe mo o ka go kgonang go thusa mo dinakong tse di thata. Mothusa Tautona Rre Mokgweetsi Masisi o boletse jalo mo potsolosong kwa bokhutlong jwa loeto lwa gagwe lwa matlhabelo a Lobatse ka Labotlhano gore le fa BMC e lebagane le dikgwetlho, matlhabelo a a dira sentle fela thata mo go rekisetseng European Union nama, mme a bone madi a a ka kgonang go a tsamaisa. Rre Masisi yo gape a leng mopalamente wa Moshupa/Manyana o ne a amogela gore kgwetlho e tona e BMC e lebaganeng nayo, ke go tsaya lebaka le le leele e sa duele barui ba ba e rekiseditseng dikgomo. A re o tlhalogantse gore tiego eo e bakwa ke gore BMC le yone e na le bothata ka gore ba e ba rekisetsang nama le bone ba tsaya lobaka lo lo leele go duela jaanong seo se dira gore le bone ba duele barui morago ga nako e telele. A re go bo barui ba ema selekanyo sa dikgwedi tse thatatro go ya kwa go tse di ferang bobedi ba ise ba bone dituelo tsa bone,ke kgwetlho mme legale BMC e leka ka bojotlhe go khutshwafatsa nako eo. Are loeto lwa gagwe lo dirile gore a lemoge fa mmaraka wa BMC o ne wa amega ntateng ya leuba le ka nako e matlhabelo a neng a tswetswe ka nako ya fa nare e bonwe mo kgaolong ya Borwa. O ne a re mmuso o tlaa tswelela o buisanya le boeteledipele jwa BMC go tla ka maano a go tsosolosa matlhabelo ao gore a dire ka botlalo. Mothusa Tautona a re e rile fa a etetse matlhabelo ao, o ne a kgatlhiwa ke bophepa jo bo kwa godimo jwa matlhabelo ao go balelwa le seemo se se kwa godimo sa nama ya matlhabelo ao. Rre Masisi a re o ne a itumedisiwa ke boranyane jo bo kwa godimo jo a bo boneng kwa BMC go tlhaba dikgomo, go simologa fela ka kgomo e bolawa go fitlhelela e tsena kwa e rekisiwang teng e phuthetswe sentle gore e bo e tle go jewa ke batho. O boletse gore go nna phepa go botlhokwa ka jaana ditiro tse di dirwang mo matlhabelong ao ke tsone tse di batlwang ke bareki ba nama ba EU, bone ba ba tsisang madi a mantsi. Kgwetlho e nngwe e a e itemogetseng ke gore BMC e tsamaisa matlhabelo a mangwe a yone a le mabedi, a Francistown le Maun, a sa dire dipoelo dipe fela. A re puso ga e eletse gore matlhabelo a mabedi ao a tswalwe, a tlatsa ka gore bogolo go botoka go leka go a dira gore a nne le dipoelo, ka go tokafatsa ka fa a dirang ka teng. A re le fa matlhabelo a mabedi ao a sa dire dipoelo tse di kgotsofatsang, ga gona ope yo o ka tsayang tshwetso ya gore a tswalwe ka a dira tiro e ntle thata mo setshabeng, ka e hirile batho ka jalo e tokafaditse matshelo. Mookamedi wa BMC, Dr Akolang Tombale o boletse gore le fa BMC e dira sentle go botlhokwa gore batho ba amogele gape dikgwetlho tse kompone eo e di raletseng. O boletse gore leeto la ga mothusa Tautona ke tshegofatso bogolo thata ka a ithutile go le gontsi mo go se a se boneng kwa matlhabelong ao. Dr Tombale o supile fa bontsi jwa dikgomo tse di tswang mo merakeng di se mo seemong se se letlelesegang go ka rekisiwa kwa mmarakeng wa EU ka jalo BMC e tshwanetse go di reka mo baruing, mme ba tle go di ipaakanyetsa gore di kgone go tsena mo seemong se se batlwang ke mmaraka wa EU. A re kompone eo le yone e kopane le dikgwetlho tse dingwe tse di jaaka malwetse a dikgomo mo e rileng ka 2011, BMC ya emisa go rekisa nama kwa EU. O lebogetse thuso ya puso ka go ntsha madi go duela dikoloto, a tlatsa ka gore mo dingwageng tse tharo tse di fetileng, BMC e kgonne go oketsa dipoelo tsa yone mo go nametsang. O ne a dumalana le mothusa Tautona gore faesale matlhabelo a Francistown le Maun a bulwa, ga a ise a tsenye dipoelo dipe le fa gone matlhabelo ao a thusa batho. Dr Tombale o lebogetse loeto lwa ga Mothusa Tautona ka le supegeditse puso bothata jo botona jo BMC e lebaganeng le jone.BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Mapodisi ba tlhotlhomisa loso Mapodisi a Maun a tlhotlhomisa loso lwa monna wa dingwaga tse di masome mararo le bone yo go belaelwang a nwetse mo nokeng kwa Chanoga. Mo potsolotsong le BOPA, mookamela mapodisi wa Maun, Rre Motlhaba Ramaabya o tlhalositse fa go ne ga begelwa mapodisi fa rre yoo wa meraka ya Qwee a sa bonwe bosigo ka Matlhatso. Rre Ramaabya o tlhalositse fa ba sepodisi le sesole ba ne ba phakelela go mmatla mme ba kgona go mmona a setse a kokobetse fa godimo ga metsi ka Tshipi . O tlhalositse fa moswi a ne a ragosediwa kwa kokelong ya Letsholathebe kwa Maun kwa go neng ga tlhomamisiwa fa a tlhokafetse. O ne a gakolola setshaba go ipabalela le go nna podi matseba ka e le nako e dinoka di tshelang ka yone. Rre Ramaabya o gakolotse setshaba go re ba ba sa itseng go thuma ba nne ba tsamaya le ba bangwe go ba tswa thuso fa go nale kotsi. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Leuba le tlhasetse Metsimaswaane Barui ba moraka wa Metsimaswaane kwa kgaolong ya Bobirwa ba lela selelo sa mmaiyoo ntateng ya leuba. Mo potsolotsong bosheng, mongwe wa barui ba meraka eo, Rre David Selema o tlhalositse fa dikgomo tsa gagwe ga mmogo le tsa meraka e e mabapi di simolotse go wa ka lebaka la mopalo. Rre Selema a re dikgomo ka bontsi di setse di pharama ka lebaka la letlhoko la metsi le bojang kwa Metsimaswaane. A re dikgomo di setse di koma mmu, fa didiba tsone di setse di kgadile a tlatsa ka gore o kopile go nosa dikgomo tsa gagwe metsi mo merakeng e e mabapi. Rre Selema o kaile fa a simolotse go reka dijo tsa leruo go jesa dikgomo tsa gagwe. A re kgomo fa e mona letswai e kgona go itsetsepela lebakanyana. Rre Selema a re ntswa le fa sika loo podi le kgona go itsetsepela mo dipakeng tsa leuba, monongwaga seemo ke se se thata ka gore dipodi le tsone di simolotse go nyelediwa ke leuba. A re leuba le le aparetseng moraka wa Metsimaswaane monongwaga ke le le kwa godimo mo e bileng a setse a batla go fudugelwa kwa Gwanyong go bapa le noka ya Shashe ka gone go sa ntse go na le phulo e e botoka. Rre Selema a re ditonki le tsone di setse di amilwe ke seru sa leuba ka jalo temo e ka nna ya pala segolojang mo baleming ba ba ikaegileng ka ditonki. society 9 Mokhanselara o tlhokafetse Mokhanselara wa Ralekgetho mo kgaolong ya Moshupa Rre Gofentseone Rakala o tlhokafetse kgwedi eno e tlhola malatsi a supa kwa sepateleng sa Sabata kwa Kanye. Mokhanselara Rakala o tlhokafetse morago ga lobaka lo lotelele a ntse a lwala. Go ya ka modulasetilo wa kgaolo potlana ya Moshupa mokhanselara Sonny Phiri a re Rakala o tlhokile go tsoga ngogola. Mokhanselara Phiri a re e ne ya re ka phuthego ya khansele ya kgwedi ya Lwetse a supa fa a sa tsoga fela thata mme a mo okisa gore ba felele ba ile go bona ba botsogo kwa Mmaseetsele kwa Moshupa. A re go simolola ka lone letsatsi leo mokhanselara Rakala o ne a simolola go fiwa thuso, a bo a kopiwa go tla gape mo letsatsing le le latelang gore a tle a dirwe ditlhatlhobo tse dingwe. Mokhanselara Phiri a re o ne a tlhoka thuso ya ga mokhanselara Rakala magareng ga kgwedi ya Morule e le lesome le bofera bongwe le e le masome a mabedi le botlhano ka jaana e ne e le modulasetilo wa komiti ya banalebogole. A re ka nako eo megala ya ga mokhanselara Rakala e ne e sa tsene mme ka a ne a itse fa e le motho yo o bokowa a akanya gore gongwe ga a tsoga ka jalo a buwa le mongwe wa bagolwane ba khansele yo le ene a neng a supa fa megala e seo mo phefong. Mokhanselara Phiri a re go utlwala fa a ne a supa fa a sa tsoga thata kgwedi ya Morule e le masome a mabedi le bosupa mo a neng a felela a tabogeseditswe kwa sepateleng sa Sabata kwa Kanye kwa a tlhokafaletseng teng maitsebowa a Sontaga. O supile fa mokhanselara Rakala e ne e le motho yo o ratang tiro ya gagwe a bile a le tlhaga a re le mo dinakong tse di thata tsa a lwala o ne a ntse a tla tirong fela. Mokhanselara Phiri a re ba lebogetse go bo ba kile ba bereka le mokhanselara Rakala. BOKHUTLO society 9 Molefe o kgalela batsadi go ipata ka puso Kgosana ya tetlanyo ya kgotla ya Tshikinyega Two kwa Mahalapye, Rre Ditsotlhe Molefe, a re batsadi ba tlogele go iphitlha ka mmuso, ba re ga o ba letlelele go otlhaya bana ba bone ka thupa. Kgosi Molefe o buile mafoko a kwa bokopanong jwa dikgosi le lekalana la Men Sector la kgaolo-potlana ya Mahalapye bosheng. Rre Molefe o boletse fa puso e se kgatlhanong le go otlhaiwa ga bana mme e le kgatlhanong le go otlhaya ngwana mo go feteletseng mo go felelang go bakile dikgobalo, a tlatsa ka gore ga go na motsadi ope o o kganelwang go otlhaya ngwana wa gagwe fa maitsholo a gagwe e se a a kgatlhisang. A re batsadi ba tshaba bana ba bone mme ba batla go ipata fela ka mmuso ba re ga o letlelele go otlhaiwa ga bana. A re go bo maitsholo a bana a sa kgatlhise ke ka go bo batsadi ba repisitse kgotsa ba fokoditse go otlhaya bana ba bone. A tlatsa ka gore batsadi ba tshwanetse go ema ka dinao go bona gore ba busetsa bana ba bone mo tseleng. A re go a tshwenya go bo batsadi ba leseleditse bana ba bone ba sa ba kgalemelele maitsholo a bone a a makgaphila. A re go tlhoka go otlhaya bana ga batsadi go dirile gore bana ba laole le bone batsadi ba bone tota. O tsweletse ka go tlhalosa fa batsadi ba kgona go tsiediwa ke bana ba bone ba ba rekela dimpho go ritibatsa maikutlo a bone gore batsadi ba ba letlelele go dira dilo tse di sa kgatlhesing jaaka go ratana. A re batsadi ba tshwanetse go ikgakologelwa ba ema ka dinao ba tsaya maikarabelo a go bona gore ba busetsa bana ba bone mo tseleng e e leng yone. Rre Molefe o boleletse dikgosi tsa motse oo gore le bone ga ba a tshwanela go batla go ipata ka gore ga ba na dithata. A re go tlhoka dithata ga go reele gore ga ba kake ba kgalema maitsholo a e seng one a tlatsa ka gore fa batsadi ba itela mo go bone ka maitsholo a bana ba bone ba tshwanetse go tsaya kgato ba otlhaya ngwana yoo ka fa go tshwanetseng ka teng. society 9 Barui ba kgothaditswe go tlhabolola leruo Barui kwa kgaolong ya Kgalagadi ba kgothaditswe go dirisa polase ya Lobu go tlhabolola boleng jwa leruo la bone. Mogolwane wa marekisetso a Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB), Dr Benjamin Ditsile, o ntshitse kgothatso fa a bula semmuso ditshupo tsa kgaolo ya Kgalagadi Borwa kwa Tsabong bosheng. A re le ntswa kgaolo e, e siametse leruo, e aperwe ke dikgwetlho tse di dirwang ke pula ee boutsana, phulo ee tlhakanetsweng le mmu oo sa siamelang dijwalo. O a ne a tlhalosa fa dipatlisiso di supa fa ka ngwaga wa 2018/19 palo ya dikgomo kwa kgaolong eo e ne e le 120 000, dinku tse 24 226 mme dipodi di le 38 339. Dr Ditsile a re re puso e tsere tshwetso ya go tlhabolola polasi ya Lobu ka maikaelelo a go rutuntsha barui ka tsotlhe tse di tlhokafalang mo thuong. O ne a gwetlha barui go dirisa thata polase ya Lobu ka seo se ka ba thusa mo go tlhabololeng leruo la bone go nna le boleng jo bo kwa godimo. A re mo polase eo e na le dihutshane di le 1 156 tsa dipodi tsa letsopa la Boer goat le dinku tsa karakul mme palo ee kwa tlase ya barui ke yone e setseng e rutuntshitswe. A re ka ntlha ya leuba, puso e dirile maiteko a go fokotsa dijo le melemo ya leruo ka 35 per cent go simolola ka kgwedi ya Phukwi mono ngwaga go fitlha ka Seetebosigo ngwaga oo tlang. O supile fa temo e le kwa tlase ka lebaka la pula ee boutsana ka mo pakeng ya 2018/2019 go lemilwe ditema di ka nna 220.20 fela. Dr Ditsile o ne a kgothatsa balemi go lema dijwalo tse di akaretsang dinawa, marotse le magapu ka di siametse kgaolo ya Kgalagadi Borwa le gore di ka thusa itsholelo ya lefatshe leno go ipelega. Fa a bua ka BAMB o ne a tlhalosa fa e simolodisitswe ka molao wa palamente ka ngwaga wa 1974 ka maikaelelo a go reka thobo ya balemi mme ya atolosiwa ka go rekisetsa balemi barui dijo tsa leruo le melemo, a supa fa mo nako ya gompieno ba butse marekisetso a le masome a mararo le boherabongwe. A re marekisetso a itlamile go rutuntsha balemi barui ka temo ee tlhabologileng ka seo se ka thusa mo go ntsheng dijo tse di lekaneng le gone go etela barui kwa merakeng go ba tlhatlhelela ka tlhokomelo ya leruo ka kakaretso le tiriso ya melemo. Dr Ditsile o ne supa fa marekisetso a BAMB a rotloeditse ditshupo tseo ka P30 000 mme a tlatsa ka go gwetlha balemi barui ba kgaolo eo go tshwaragana. Modulasetilo wa komiti ee baakanyetsang ditshupo, Rre Ruben Mosimenyane, a re fa ba ne ba baakanyetsa ditshupo tseo nako e ne e setse e tsamaile ka ba ne ba tshwanelwa ke go baakanya pele ka go ne ga seka ga nna le neelano e e tshwanetseng le komiti ee duleng. O supile fa ba ithutile tse dintsi go tswa mo lephateng la temo thuo le maphata a mangwe mme ba tlaa itoma molomo wa tlase go tlhomamisa gore tse di tla tshwarwang ngwaga oo tlang di tsamaya ka thelelo. O ne a popotha legetla barotloetsi ka go nna le seabe se segolo mo katlegong ya ditshupo tsa kgaolo eo. Kgosi Piet Kaatzee ene o ne a supa fa tshologelo ya ditshupo tsa ngwaga ono e le kwa tlase thata a bolela fa seo se supa fa balemi barui ba sa kgatlhegele ditshupo tse mme a gakolola gore botlhe ba tshwanentse go tsaya karolo gore di tokafale. O ne a rotloetsa go emela temo thuo ka dinao ka e le yone e ka kgonang go ba jesa le gone go tlhabolola matshelo a bone a re ke sone se puso e lekang ka bojotlhe go ba inola mo lehumeng ka go thusa ka mananeo jaaka la LIMID. economy_business_and_finance 3 Se fuduseng bagwebi mo nakong e - makhanselara Makhanselara a kopile gore bagwebi ba ba botlana ba ba direlang kwa mmolong o motona wa Maun ba seka ba fudusiwa mo nakong e. Ba buile se mo bokopanong jo bo haphegileng bosheng. Se se tla morago ga gore mogolwane wa lephata la ofisi ya melawana ya khansele ya Bokone Bophirima, Rre Phemelo Matome, a ba itsise fa lenaneo la go fudusa bagwebi bao le tsweletse. Rre Matome o ne a supa fa khansele e setse e bone diphatlha di ka nna 193 kwa mapalamelong a dibase go hudusetsa bagwebi bangwe teng. O ne a supa fa go fudusa bagwebi bao e le tsela ya go dira gore mmolo wa Maun o lebege le gore barekisi bao ba sute mo ditseleng le fa pele ga marekisetso mangwe ka se se sa itumedise beng ba one. A re dipatlisiso di supile fa go na le bagwebi ba ka tshwara 600 mo mmolong mogolo mme ba tlaa batlelwa diphatlha tse di siameng. O tlhalositse fa bangwe ba bagwebi ba sena diteseletso, bangwe e le batswakwa mme ba bangwe ba apeela mo mmolong, selo se se sa letlelelweng. Mo dikakgelong tsa bone, makhanselara mangwe a ne a supa fa ba dumalana le gore bagwebi bao ba fudusiwe mme ba kopa gore go se se seka sa dirwa pele ga khansele e ka baakanya kwa e ba fudusetsang teng. Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Bareetsi Bogaisang, a re bagwebi bao ba setse ba amilwe ke manokonoko a COVID-19. Mokhanselara wa Kgosing-Kubung, Rre Tswelelo Sebati, ene o ne a kopa gore bagwebi bao ba fiwe sebaka sa dikgwedi tse tharo, a tlatsa ka gore khansele e ka dirisa sebaka seo go baakanya kwa e ba fudusetsang teng. Mokhanselara wa Moeti, Mme Botshelobokae Ramasu, le ene o ne a kopa khansele go baakanya kwa e fudusetsang bagwebi teng, ka jaana ba sa tshwanela go tlhoka kwa ba rekisetsang teng. Mokhanselara wa Makalamabedi, Rre Moetetsi Mogalakwe, a re marekisetso a kgonwa go dirwa gongwe le gongwe kwa ntle ga mmolo ebile bareki ba kgone go latela ditirelo tseo. Modulasetilo wa khansele potlana, Rre Vepaune Moreti, o ne a gatelela fa maikaelelo a bone e se go koba bagwebi bao mme e le go leka go baakanya selebego sa toropo ya Maun. O ne a kaya fa go ka nna thata gore khansele e baakanye kwa bagwebi ba fudusediwang teng ka mabaka a letlhoko la madi. economy_business_and_finance 3 Ramateke o rutuntsha ba-na-le bogole Boithaopo ke selo se se seng motlhofo go ka diragala mo malatsing a segompieno. Le fa go ntse jalo, go na le Batswana ba ba santseng ba na le mowa oo wa boitlhaopo. Mongwe wa bone ke Rre Onkabetse Ramateke. Rre Ramateke ke mongwe wa ba ba nnileng sekao go tsenya letsogo mo go thuseng kwa sekoleng se sebotlana sa Masupe kwa Maunatlala ka go ruta bana ba ba-na-le bogole go nosetsa tshipi ntleng le dituelo dipe. Morago ga go sa dire sentle mo ditlhatlhobong tsa makgaolakgang tsa mophato wa boraro o ne a seka a nna le boitlhobogo mo botshelong a batla maano a go ka itshela metsi ganong. “Kwa sekoleng ke ne ke kgona dithuto tsa tiro ya diatla jaaka Design and Technology ga mmogo le tsa botaki, ke sone se mo bogompienong ke itshetsang ka go dira ka diatla,” Rre Ramateke a tlhalosa. Mo go nonotsheng botsipa jwa gagwe a ya go bereka kwa dikomponeng tse di farologanyeng kwa Gaborone jaaka ya Mend and Welding kwa a fetileng a bereka a nosetsa ditshipi. Ka a na le ngwana wa mo-na-le bogole, Rre Ramateke o ne a gwetlhega go tsenya letsogo mo go tlhatlheleleng baithuti ba ba-na-le bogole tiro ya diatla ka ba e tlhaloganya botoka go na le ya ditlhaka. O itlamile go rwala ditlhako go tsamaya a ba lekola mo malwapeng a bone go itse ka fa ba tshelang ka teng gore go nne motlhofo go ba ruta. Tiro e, ka e itebagantse thata le go dirisa motlakase, ditshipi le metshine e e ka nnang borai mo botsogong jwa bone, o tlhalositse fa a simolotse pele a ba ruta ka pabalesego le tiriso ya tsone. “Ke na le dibeke di ka balwa fela ke na le bone. Ke ne ka simolola pele ka go ba tlhatlhelela dithuto tsa go dira dikganedi tsa magodu mo mabating le diokomelabagwe. Fa re sena go wetsa tsotlhe tse re di dirileng, di dirisiwa mo tlhabololong ya sekole le ya motse, gape re na le maikaelelo a go di dirisa e le disupiwa kwa ditshupong,” Rre Ramateke a tlhalosa. Rre Ramateke o dumela gore mo nakong e khutshwane ya dikgwedi tse pedi go ya kwa go tse tharo o tlaa bo a setse a ntshitse dialogane mo tirong ya go nosetsa tshipi. O rotloetsa batsadi go ema bana ba bone nokeng le go ba isa sekoleng go na le go ba baya kwa mahure ba sa ba neele sebaka sa go supa bokgeleke le bokgoni jo ba nang le jone. Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Maunatlala, Mme Salome Lesole o boletse fa batho ba go tshwana le Rre Ramateke ba tshwanetse go akgolelwa tiro e ntle e ba e dirang ya boithaopo le go tshwaraganela kgetsi ya tsie le barutabana. “Mo malatsing a segompieno ga se gantsi o ka fitlhela motho a dira tiro ya boithaopo ntleng le go batla letseno, ka jalo Rre Ramateka ke sekao mo banning ba motse mo go se a se dirang e bile banana ba tlaa tsaya malebela go ithaopela go direla motse wa bone,” Mme Lesole a tlhalosa. society 9 Mogokgo o emetse baithuti ka dinao Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Segale kwa Mochudi, Rre Elisha Kgosi, o tshwere namane e tona ya tiro go netefatatsa gore baithuti ba sekole sa gagwe ga ba tshabe sekole. Rre Kgosi o tlhalositse fa a simolotse go direla mo sekoleng seo ngwaga o o fetileng mme a ne a tshwenngwa thata ke go sa tseneng sekole sentle ga baithuti bangwe. O tlhalositse fa a ne a tshwenngwa thata ke gore ntswa bana ba ne ba sa tsene sekole sentle, batsadi ba ne ba sa iponatse go tlhalosa gore ke eng bana ba sa tle sekoleng. A re o ne a tla ka mogopolo wa go tsena mo mebileng e a itseng fa baithuti ba e dirisa go ya sekoleng go leka go ba rotloetsa go tsena sekole sentle a kaya fa seo a ne a se dira moso le moso go fitlhela a tshwara baithuti ba le barataro, basetsana ba le batlhano le mosimane a le mongwe ba ba neng ba iphitlha mo dikgokgotshwaneng mme ba boele malapeng fa sekole se tswa. O boletse fa a ne a itshwaraganya le batsadi ba bone ba ba neng ba kaya fa ba ne ba sa itse fa bana ba sa tsene sekole mme ba itlama go dira mmogo go netefatsa fa baithuti ba tsena sekole. “Ke batla bana ba rutega ke ka moo ke ka se nneng fela mo ofising, gape ke itemogetse gore bana ba ka rutega fa re ka fetola boitshwaro le go akanya ga bone,” Kgosi a tshwaela. Mogokgo o tlhalositse fa a sa ipone tsapa ka jaana a netefatsa gore pele a dira ditiro tsa ofisi a bo a etela matlo a borutelo go dumedisana le baithuti ba gagwe a tlatsa ka gore seo se ntshitse maduo ka jaana go rena botsalano fa gare ga gagwe le baithuti botlhe. O tlhalositse fa a itumedisiwa thata ke maduo a baithuti ba lekwalo la bosupa a kaya fa a tokafetse e bile a nametsega gore ba tlaa dira sentle ngwaga o fela. O boletse fa a na le komiti e e matlhagatlhaga ya batsadi le barutabana e le yone e mo emeng nokeng go ntsha maduo, godimo ga moo a re ba ne ba dumalana go leboga baithuti le barutabana ka go simolodisa kabo dietsele le ditlankana e e itebagantseng le dithuto ga mmogo le tsa metshameko mo sekoleng. A re maikaelelo a go dira kabo dietsele ke go tsisa mowa wa go gaisana ka go gwetlha barutabana le baithuti go bereka ka natla gore mongwe le mongwe a tle a lemogelwe maiteko a gagwe. Fa a ntsha la gagwe, moeteledipele wa baithuti ba mophato wa ntlha go fitlha kwa go wa bone, Mme Mokgabo Nyere, o kaile fa go na le pharologanyo e ntsi mo maduong a baithuti fa e sale ngwaga o o fetileng, a tlhalosa fa boitshwaro jwa baithuti bo fetogile thata. Mme Nyere o tlhalositse fa barutabana ba leka ka bojotlhe go ema baithuti nokeng le go tla ka maano a go ba kgothatsa, o tlhalositse fa ba ne ba kgobokanya madi mme ba rekela baithuti ba batlhoki diaparo mo pakeng e e fetileng. BOKHUTLO education 4 Setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata Bomme bangwe ba tsweletse ka tokafatsa matshelo a bone ka go ikopela mananeo ka go farologana. Bangwe ba bomme bao ke Tshimologo Orebonye, Dimpho Keitebetse, Mmopi Manyapetsa, Boitshepho Dingake le Mme Judith Bakalafi ba Mahalapye ba ba ikopantseng go dira kgwebo ya go roka diaparo. Mo potsolosong bosheng, moanamisa mafoko wa setlhopha sa bomme ba, Mme Tshimologo Orebonye a re ba filwe dithuso tsa madi ke lephata la bong ka ngwaga wa 2014. Mme Orebonye a re ba ne ba bona go le botlhokwa go kwadisa khamphani e e bidiwang 5 Ladies Fashion Design, a tlatsa ka gore khamphani eo e tlhamilwe ka maikaelelo a go tsamaisa kgwebo ka fa molaong. “E rile re bona re na le botsipa e bile bo tshwana ra bo re dumalana go ikopanya gore re ikopele madi mo pusong go simolola kgwebo ya go roka,” a tlhalosa jalo. A re ba ne ba kgona go reka ditsompelo tsa kgwebo jaaka matsela le dimatshine tse di rokang le tse dingwe fela jalo. O tlhalositse fa ba ne ba sa fiwa dithuso tsa madi fela, gape ba ne ba isiwa sekoleng sa go roka selekanyo sa dibeke tse pedi mme ba tla ba amule go le gontsi. A re kitso e ke yone e e tshegeditseng gore kgwebo ya bone e tswelele pele go fitlha mo nakong eno. O ne a tlhalosa gore e re jaaka ba le batlhano jaana mongwe le mongwe o na le seabe se se lekanang mo go yone. O ne a tlatsa ka gore botlhe e le bomme ba ba sa tsewang ka jalo kgwebo e,e ba thusa go tlamela malwapa a bone,ba tlatsa ka gore kgwebo e tsenya bana ba bone dikole. Go ntse go le foo, o ne a tlhalosa gore ba bapatsa kompone ya bone ka go bua ka yone gongwe le gongwe ko ba tsamayang teng go ipatlela bareki le gore e itsagale. A re ba ne ba nna le lesego la go supa dithoto tsa bone kwa ditshupong tsa bomme kwa Gaborone mme ba feta ka tse di tsididi ba ikgapela maemo a ntlha mo kgaolong ya borwa yotlhe. Mme Orebonye a re ba leka ka bojotlhe go itepatepanya le kapari e ntsha e e gorogang mo setshabeng,a tlatsa ka gore go dira kapari e ntsha e ya bo e le go leka go dira dipoelo. O kaile fa bana ba dikole e le bone mokwatla wa kgwebo ya bone segolo bogolo ba ba simololang mophato wa ntlha kwa dikoleng tse dipotlana, le wa ntlha ko go tse dikgolwane. Ka kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho tsa yone, o ne a tlhalosa fa mo dikgweding tsa ngwaga o simologa go fitlha tsa mariga go sena theko e e kalokalo. O tswelela a supa fa dikgwedi tsa paka ya selemo go ya kwa mafelong a ngwaga kgwebo e nna ntsi thata, a tlatsa ka gore ke yone nako e ba rokelang batho thata kapari ya manyalo ka jalo dipoelo e nne tse di botoka. O ne a kgothatsa Batswana ka kakaretso go tsaya mananeo a tsia go ka fetola matshelo a bone ga mmogo le go tlhamela ba bangwe ditiro, le gore ba seka ba letlelela dikgwetlho tse ba kopanang le tsone go nna mmaba mo dikgwebong tsa bone. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Kgosi o tshwenngwa ke dikgang tsa go inyadisa Ga se tshwanelo gore batho ba nne mmogo mo matlong mme ba sa nyalana gonne go tlhagoga mathata a a seng kana ka sepe fa go nna le dikgang tsa kgaogano kana loso. Kgosi Molatedi Lebang wa kgotla ya Boikago kwa Palapye o kgadile a sa kgwe mathe dikgang tsa mofuta o, fa a buisa phuthego ya go simolola go baakanyetsa mekete ya boipuso jwa 2016. Kgosi Lebang a re bana ba basetsana ba tshwanetse go tlogela go fudugela mo matlong a banna ba sa ba nyala ka ba rekela dilwana koo mme kwa phelelong fa mosimane a tlhokafala ba ga bone ba tsaya dilwana tsotlhe ba tlogela mosetsana a itshopere ba ikgatholosa gore ngwana wa bone o ntse a nna le yo mongwe. O tsweletse ka gore batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana, ba mo lefifing ka jalo ba tlhokana le go tsenngwa mo leseding ka go rutwa ka botlhokwa jwa go nyalana, a tlatsa ka gore dingwaga tse nne ga di a tshwanela go feta batho ba ise ba nyalane. Fa a kgwa kgosi kgaba, Moruti Letsweletse Olatlhile o boletse fa mogopolo o o ka thusang go itsa dikgang tsa go inyadisa e le go simolodisiwa ga mokgatlho wa ‘Re a nyalana’ kwa kgotleng ka o setse o supile maduo kwa o tsentsweng mo tirisong teng mo dikgaolong tsa lefatshe leno. Mongwe wa bagolo ba motse, Mme Keesi Mogano o boletse fa a tshwenngwa ke boitsholo jwa banana jwa go ya kgotleng ba apere marokgwe, a re seo ke matlhabisa ditlhong e bile ga se tlotlo mo kgotleng gammogo le mo kgosing ya bone. Morafe o ne wa tlhalosa fa o batla boipuso jwa 2016 bo nna pharologanyo le jwa dingwaga tse dingwe ka ba batla go busetsa serodumo sa ngwao e go lebegang e nyelela mme ga tlhophiwa komiti ya bagolo le ya banana tse di tlaa etelelang pele dipaakanyo tsa boipuso. Banni ba dule ka megopolo ya gore go dirwe metshameko ya Setswana e tshwana morabaraba, diketo, meopelo le maboko gammogo le kapei ya dijo tsa Setswana ka go farologana.Bokhutlo education 4 Phamola o inamola lehuma ka katara Monana wa Mabesekwa, Rre Keleemetse Phamola, yo o dingwaga tse di masome mararo le motso wa kgotla ya Mokuelele o inamola leuba ka katara. O tlhaloseditse BOPA gore ka jaana letlhoko la ditiro le tshwarisitse banana phage ka mangana, o ne a bona go le botlhokwa gore a nne le tsela e a ka itirelang botshelo ka yone. Monana yo o tlhalositse fa ene go tswa bonnyaneng, go letsa katara go ne go le mo mading a gagwe mme ka jalo a bona go le maleba go dirisa bokgoni joo go gweba. “Ke ne ka itlhophela go letsa katara go ka ntlodisa dinokana di penologa,” a bolela jalo. O ne a tlatsa ka go tlhalosa gape fa go letsa katara mo go ene e ne e le tsela nngwe ya go akola boswa jwa kwa gagabo. “Tota rona mo lesikeng la rona re tshotswe re le bomankge ba go letsa katara. Masika a rona le ba ba robetseng ba ne ba jesa banni ba kgaolo e tswina ya melotsana ya katara,” a tlhalosa. O itsege jaaka Twista mo kgwebong ya gagwe mme o tlhalositse fa motlogolo wa gagwe, Rre Shadrack Phamola, a ne a le swele thata mo katareng, mme ka jalo ya nna ene motho yo a mo kwataboletsang botsipa jwa go letsa katara. Twista o supa fa ba ne ba nna di ya thoteng di bapile go letsa katara nako le nako mo lwapeng e le go itlosa bodutu mme morago ba simolola go nna ba diragatsa mo motseng, mo medirong le kwa meletlong e e farologaneng e akaretsa ya manyalo, phathi, le kwa kgotleng mme ba atswiwe ka lemmenyana go ijesa ba ikapesa ka letseno leo. Le fa go ntse jalo, Rre Phamola o tlhalosa fa e ne ya re fa a ya go tsweledisa dithuto kwa sekoleng se segolwane sa Masunga ka 2013, a nama a eme go se go nene gore a itebaganye le dithuto a sa iteege tsebe. E ne ya re a wetsa lekwalo la botlhano ka 2014, a ikgata motlhala a ikgakologelwa mo mererong ya katara mme ka 2015 o ne a iteka lesego mo dikgaisanyong tsa bodiragatsi tsa ga Tautona mo Tonota. O boletse fa le mororo a ne a sa kgona go iponela maemo a a neng a ka mo fetisetsa kwa legatong le lengwe go phadisanya le ba dikgaolo di sele, ene mo go ene e ne e le maiteko a mantle ka e ne e le lantlha a tsenelela dikgaisanyo tseo e bile di tshologetswe ke badiragatsi ba le mmalwa. “Ke ne ka dirisa go sa atlega ga me go nna segakolodi gore ke nne le maitemogelo go batla go itse gore sentlentle go tlhokega eng gore kgabagare ke bo ke le malala a laotswe,” a tlhalosa jalo, a supa fa a ne a itse gore ga bo se gangwe. Mo dikgaisanyong tsa 2016, Twista o ne a tla a itumile wa tlase ka a ne a itlhokoditse go utlwala e bile a na le maikaelelo le maitlamo go supegetsa badiragatsi ba kgaolo potlana ya Tonota se a leng sone. “Ke ne ke dirile itlhokotso e e tseneletseng e bile ke na le lesedi gore go tlhokega eng ga go tlhokege eng go diragatsa mo mererong ya katara,” a bolela jalo. O ne a tlatsa ka go tlhalosa fa go diragatsa ka mashetla le botswapelo go ne ga ngoka matlho a baatlhodi mme ba mo tlhoma kwa setlhoeng go nna ene yo a gaisitseng botlhe. Kgeleke eno e supile fa phenyo eo e ne ya mo dira motlotlo a bo a tlotlomatsa le kgaolo ya gagwe kwa dikgaisanyong tsa makgaolakgang tsa dikgaolo tsotlhe tsa lefatshe leno. Legale tlhalosa fa a ne a tlhoka lesego go iponela phenyo ya makgaolakgang ao kwa toropo kgolo Gaborone. Monongwaga o ne a nna a tsweledisa mosepele wa gagwe le dikgaisanyo tsa bodiragatsi, mme a retelelwa a kgona go iponela maemo a bolesome le borataro. A re go sa dira sentle moo ga go kake ga mo kgoba marapo mo tswelelong pele ya gagwe go nna sekgantshwane sa katara. Rre Phamola o bile a kgothatsa banana ka ene gore ba seka ba inyatsa mo botshelong ba dira letlhoko la mebereko e le seipato. A re ba tshwaragane le mmuso go ka tswa ka methale e ka yone ba ka fefosang go tlhangwa ga ditiro le go tsaya karolo mo mererong ya go leka go tswakanya itsholelo ya lefatshe. O gateletse fa bodiragatsi bo na le bokgoni jwa go fetola motshelo a bone fa fela ba ka bo tsaya ka tlhoafalo. BOPA economy_business_and_finance 3 Bolwetsi jwa mabele bo a tshwenya Dipalo tse di golelang pele tsa dikgomo tse di fitlhelwang ka bolwetse jwa mabele kwa matlhabelong a BMC ga di jese diwelang ka di diga itsholelo ya lefatshe leno. Se se builwe ke mothusa tona wa tlhabololo temo-thuo le tlhomamiso dijo, Rre Kgotla Autlwetse fa a buisa diphuthego kwa Maunatlala, Majwaneng le Ratholo bosheng. Rre Autlwetse a re bolwetse jwa mabele ke poelo morago mo baruing ka le fa ba rekisa dikgomo kwa BMC go babalela matlhabelo le bone barui. A re mo nakong eno mo dikgomong di le lekgolo tse di tlhajwang kwa BMC di le lesome di fitlhelwa ka bolwetse jo. A re se se supa fa go tshwanetse ga tlhoafalelwa go bona gore ke ditsela dife tse di ka tsewang go thibela bolwetse jo ka bo setse bo dule mo taolong. A re mo mafelong a mangwe dipalo tsa motse di golela gone kwa mafudisong a dikgomo mme fa dipalo di gola jalo go a bo go sena matlwana a boitiketso, ka jalo o ne a rotloetsa barui go aga matlwana a boitiketso kana go epa mosima ba katela fa ba sena go itlhoma. Rre Autlwetse o ne a tsibosa banni gore fa go sa tsewe ditsela tse di maleba ga go kgakala gore mmaraka wa nama ya kgomo o o kwa mafatsheng a sele o tswalwe fa bolwetse jo bo ka tswelela bo anama. A re go na le kgonagalo ya gore fa bolwetse jo bo tsweletse ka go ntsifala go diragale diphoso mme nama nngwe e fete e na le bolwetse jwa mabele mme e bo e senya mmaraka o o kwa mafatsheng a sele. A re lephata la gagwe le mo dipuisanyong gore a go ka seke go simolodisiwe dipilisi tse di tlaa thusang mo go laoleng bolwetse jwa mabele ka di le teng. O ne a rotloetsa setshaba gore e re fa dipilisi tseo di ka simolodisiwa ba di amogele mme ba dirisanye le ba botsogo ka di ka thusa go fokotsa bolwetse jo. Mo go tse dingwe, banni bangwe ba ne ba kopa puso go sekaseka gore a ditema tse dingwe mo go tse puso e di duelelang balemi di lemiwe ka go gasiwa ka ga ba bone maduo a temo ya ditselana. Ba ne ba bolela fa mo dinakong tse dingwe ba diega go lema ntateng ya tlhaelo ya diterekere, ka jalo go ka nna botoka fa ba ne ba ka gasa ditema tse dingwe. Fa a tsibogela kopo eo, Rre Autlwetse o ne a bolela fa kgang ya go gasa e ka seka ya tlhola e reediwa ka puso e ntsha madi a mantsi e thusa Batswana mo go lemeng ka ISPAAD. A re Batswana ba tshwanetse go ititaya ka thupana ba tlhoafalele temo ka e ka ba tshetsa mme maduo a ka tswa fela fa go lengwa ka ditselana le go tlhokomela temo ya bone. BOKHUTLO health 6 Motlhala wa Ipelegeng o a bonala Lenaneo la Ipelegeng ke
lengwe la mananeo a Batswana ba ikaegileng ka one go leka go itshetsa le go
tlhabolola matshelo a bone. Motlhala wa lenaneo la Ipelegeng o tsweletse ka go itshupa
kwa Seolwane jaaka babereki ba lenaneo la Ipelegeng ba dira mo gotlhe mo go
tlhokegang tebang le go tlhabolola motse. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo mo motseng wa 
Seolwane Rre Tumelo Otlhasitse o galaleditse lenaneo la Ipelegeng go menagane. E rile a buisana le lekalana la dikgang la BOPA a tlhalosa
fa lenaneo leo le dirile dilo di tshwana le go phepafatsa motse, go tokafatsa
kokelwana, go kgaola ditlhare, kagelelo ya lerako la kgotla, go dira ditsela
tse pedi tse di yang masimo le tse dingwe fela jalo. O tlhalositse fa gape ditiro bontsi mo motseng wa Seolwane
di dirwa ke babereki ba Ipelgeng ba ba sa iponeng tsapa. A re bosheng babereki ba Ipelegeng ba itebagantse le tiro ya
go aga ntlo ya mooki ya LA2 e a dumelang fa ba tlaa e dira ka bokgabane. O tlhalositse fa lenaneo la Ipelegeng le amogetswe ka tsoo
pedi ke botlhe mo motsaneng wa bone mme ebile segolo bogolo le amogetswe thata
ke banana. Modulasetilo o akgotse botlhe ba-na-le-seabe mo bontleng
jotlhe jo bo bonwang mo motsaneng wa bone e le ka ntlha ya lenaneo la
Ipelegeng. A re babereki ba Ipelegeng ba ipelafatsa thata ka lenaneo le
ka jaana le bone ba kgona go ora molelo wa mariga le ba gaeno ka lemmenyana le
ba le neelwang. E re go sa le jalo, Rre Otlhasitse o kaile gape fa komiti ya
gagwe e itemogetse dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba ikwadisetsang lone
lenaneo le la Ipelegeng ngwaga ono. O supile fa e ne ya re bosheng ba amogela dipalo tse di kwa
godimo tsa bagolo le banana ba ba neng ba ikwadisa. A re se se tla jaana morago ga gore Batswana bontsi ba bo ba
sa roba sepe mono ngwaga ka ntlha ya pula e e neng e le boutsana lefatshe
lotlhe ka kakaretso. O tlhalositse fa seemo se se ba beile mo mosing ka jaana
Lenaneo le le thapa dipalo tse di kwa tlase segolo bogolo mme a re o eletsa
gore puso e sekaseke seemo se mme e bo e dira maiteko a go oketsa ba ba
thapiwang kwa Ipelegeng. A re o kopa puso go oketsa bathapiwa go tswa mo dipalong tse
di masome a mane le botlhano go ya kwa go tse di masome a marataro. Mo go tse dingwe gape, Rre Otlhasitse o supile fa ba
tshwentswe thata ke seemo sa banana mo motseng ba ba maoto a tshupa mme ebile
gape ba sa tsibogele mananeo a ka one mang le mang a ka itlhabololang ka one. O rotloeditse banana go tsibogela mananeo a puso gore le
bone e tsoge e le batho bangwe mo tshabeng ya Botswana. BOKHUTLO society 9 World Group of Companies aba paka World Group of Companies ba abetse dikole tsa Serorome le Boipuso kwa Palapye paka ya sekole morago ga kopo e e neng ya dirwa ke Rre Moiseraele Goya fa a sale mopalamente. Rre Goya o ne a kile a kopela dikole tse dipotlana tse di ferang bobedi tsa Palapye paka ya sekole. Serorome, kwa Rre Goya a tseneng teng, o kaiwa fa a simolotswe ka 1972, mme mo nakong eno se na le bana ba le 964 e bile e le sone se segolwane ka dipalo mo dikoleng tsotlhe tsa Palapye, se latelwa ke Boipuso ka baithuti ba le 914. Bana botlhe ba ne ba fiwa di vest, bommankanteng ba le babedi mongwe le mongwe, jesi, mmese le ditlhako fa barutabana ba ne ba fiwa kobo mongwe le mongwe le mophuthelwana wa dilekere tse le bana ba neng ba di fiwa. Rre Goya o tlhalositse fa a busa thomo le ditsholofetso tsa gagwe tse a neng a di dumelana le dikole ka nako ya fa a le mopalamente. A re ngwana ke teemane mme o tlhoka bokamoso jo bo lolameng go tsoga a tsholetsa serodumo sa lefatshe. Ka e le ngwana wa Palapye, a re ga go thona go baya motse oo kwa pele le mo pelong ya gagwe, a tlhalosa gape gore nako ya a le mothusa tona wa thuto e potlana, o ne a lekola dikole, ka jalo tlhaloganya mathata a thuto. Tautona wa pele Rre Festus Mogae mo boemong jwa World Group of Companies o tlhaloseditse bana le barutabana fa thuto e le boswa jo ba ka sekeng ba bo amogwa ke ope. O supile fa a itumelela go bona kgaolo e a kileng a nna mopalamente wa yone, a bo a nna mothusa tautona le tautona a le mo go yone, e gopolwa ka tse dintle jaaka kgodiso ya ngwana. Mogokgo wa Serorome, Mme Kgomotso Kgosiepelo a re mathata a ba nang nao ga a ba kgobe marapo go ntsha maduo, go diragatsa maikaelelo a thuto le go jesa bana sentle dilo tse e leng tsone konokono mo thutong. O kaile fa tlhaelo ya boroko jwa barutabana e le selelo se segolo mo bangwe ba theogelang ba tswa Serowe le mafelo a mangwe. Mogokgo wa Boipuso, Rre Jacob Tshipo o supile fa ba arabile selelo sa ga Tautona go ntshetsa komiti ya COVID-19 madi ka tirisano mmogo le therisano ya barutabana. Dikole ka bobedi di ne tsa galaleletsa mopalamente wa pele go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. education 4 Banana ba gwetlhiwa go itshekatsheka Baithuti ba dikolo tsa ithutelo tiro ya diatla tsa Madiba le Mahalapye ba rotloeditswe go ema ka dinao go lwantsha HIV le AIDS. Kgakololo eo e ntshitswe ke monana yo o tshelang ka mogare was HIV, Mme Boitshepo Rise kwa Mahalapye ka Mopitlo a tlhola masome a mabedi le bobedi fa baithuti ba dikolo tseo ba rulagantse mogwanto go gasa molaetsa oo rotloetsang banana go fedisa mogare o. Mme Rise a re banana ba tshwanetse go emisa go nna maoto a tshupa go itlhatlhoba mme ba nne le boikarabelo mo botsogong jwa bone. A re le fa dipalo tse di tswang mo makalaneng a botsogo di supa fa banana ba amilwe ke HIV ka dipalo tse di kwa godimo, go ngomola pelo go bona ba itirile bo ga di nkame mme ba ngosela mo go lwantsheng HIV le AIDS. Le fa go ntse jalo, Mme Rise a re o tshwenngwa ke go bona ba ba buileng phatlhalatsa gore ba tshela ka mogare wa HIV ba tsweletse ka go kgethololwa. A re seemo seo se tshabisa banana go itlhatlhoba le ba ba itseng seemo sa bone ba felele ba tshaba go ikatumetsa ditlamelo tsa botsogo. Mme Rise o ne a gwetlha banana go thanya mo maibing a tsietsi tsa botshelo le go tsepama mo go tsotlhe tse di tlaa thusang go lwantsha le go fapoga mogare wa HIV. O supile fa sengwe sa botlhokwa e le go re banana ba reetse thata molao wa batsadi, go fokotsa nnotagi le tsotlhe tse di ka ba gogelang mo tseleng tsa tshokamo. O rotloeditse banana go amogela gore botshelo bo na le dikgwetlho ka jalo ba seka ba tlhajwa ke ditlhong go emela matshelo a bone ka dinao. Mme Rise o tsweletse a kopa banana go amogela ba ba tshelang ka HIV gore ba seka ba itlhoboga mme ba felele ba tsaya tshwetso tse di duleng mo tseleng. O tlhalositse fa go le botlhokwa gore ba ba nang le mogare wa HIV ba sidilwe maikutlo go fokotsa kutlobotlhoko le go itlhoboga mo botshelong. Mogolwane wa ofisi ya banana kwa Mahalapye, Mme Masego Motswiri, a re o tshwenngwa ke go bona dipalo tsa banana ba ba tsenwang ke mogare wa HIV di tsweletse ka go gola. Ka jalo, Mme Motswiri a re go botlhokwa gore banana ba dirise ditlamelo tse di thusang go thibela kanamo ya HIV. O gateletse botlhokwa jwa go itlhatlhobela mogare wa HIV. Mme Motswiri a re go dirisa ditagi, nnotagi le go tlhoka go nna kelelelo ga banana go ka dira gore maiteko a a dirwang ke puso go lwantsha HIV le bolwetse jwa AIDS a folotse. A re o tshwenngwa ke gore banana bangwe ba ba imileng mme ba na le mogare wa HIV, ba sa ikwadise ka jalo ba felele ba sa dirise lenaneo la thibelo mogare go tswa kwa go mmangwana go ya kwa leseeng le le iseng le tsholwe la PMTCT. education 4 Reatile a re mananeo a puso a mantle Ntlhopheng wa bopalamente wa phathi ya Domkgrag mo kgaolong ya Jwaneng/Mabutsane, Rre Mephato Reatile o kgadile a se kgwe mathe diphathi tsa kganetso bogolo jang ya UDC, a bolela fa e le bo nkgata ke tlhaname. O buile jalo mo phuthegong ya phatlhalatsa ya sepolotiki kwa Jwaneng ka mafelo a beke. O boletse fa mananeo a puso jaaka la ISPAAD a tlhabolotse Batswana thata mo ba kgonneng go itirela dijo tse dintsi, a bolela fa ba diphathi tsa kganetso le bone ba akola mananeo a puso mme e bile ba boa gape ba a kgala. A re selo seo, se se dirwang ke ba diphathi tsa kganetso ke bopelotshetlha le bogodu. O boletse fa tautona wa lefatshe leno a na le tebelopele e tona thata go akanyetsa setshaba sa gagwe ka mananeo a mantle. O boletse fa ba diphathi tsa kganetso ba faposa batho ba ba bolelela ditoro fela tse di senang boammaaruri, a tlatsa ka o kopa gore ba tlhophe BDP gore ba tshele botshelo jo bo molemo, ka mananeo a a matsorotsoro. Sebui se sengwe ebong ratoropo wa Jwaneng Rre Amos Jahana o boletse fa maitlamo a phathi ya BDP a rwele mananeo a itshetso ka letlotlo, a tlhalosa fa bagodi ba fiwa madi a bogodi ba namile maoto fela, mananeo a nyeletso lehuma a thusa le one, mananeo a banana le go thusa mo go tsa temo-thuo. Rre Jahana o boletse fa balemi ba lemelwa mahala, ba fiwa dipeo mahala, ba tlhagolelwa mahala e bile ba fiwa le molemo wa mohero, a bua jalo a kgala ba kganetso, a re bone ba itse go tlhapaolola batho fela. O kopile banni ba Jwaneng go se itlhabe ka thipa mpeng ka go tlhopha diphathi tsa kganetso tse di senang motlhala. Le fa go ntse jalo, gone ga supiwa Mme Bonolo Sesame e le mongwe wa bomme, yo o tlaa emelang bokhanselara mo Jwaneng. Mokhanselara wa Mogoditshane Legare, Mme Neo Kesenogile o boletse fa bomme e le thari ya setshaba, a tlhalosa fa BDP le yone e batla seabe sa bomme mo kemeding ya yone. O kgadile diphathi tsa kganetso a bolela fa di senya ba bangwe maina fela fela go sena se ba ka thusang Batswana ka sone. Bokhutlo politics 7 Metlha ga se ya maloba kwa Damochu Kgosi Motsholetsi Kebalepile wa Damochujenaa kwa kgaolong ya Mmadinare a re tlhaelo ya metsi kwa motseng oo e tokafetse. Kgosi Kebalepile o boleletse BOPA fa a lebogela maiteko a a dirilweng ke Water Utilities Corporation (WUC) go ba leretse metsi. A re mo lobakeng lo mogare wa corona o tlhasetseng, go botlhokwa gore batho ba nne ka go tlhapa matsogo kgapetsakgapetsa. Kgosi Kebalepile a re Damochujenaa le fa a sa gokelwa metsi, WUC e dirile maiteko a go baya ditanka tse di tona tse ba tshelang metsi kgapetsakgapetsa mo go tsone, mme e re morago ba a phatlalatse le motse go tlhofofaletsa batho go gelela. A re pele ga go tlhagoga ga bolwetse jwa COVID-19, Damochujenaa o ne o aparwe ke lenyora, mo go neng go pateletsa batho go gelela metsi kwa molapong. Kgosi Kebalepile a re seemo seo, se ne se tsenya matshelo a batho mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetse. Motse oo, o na le sediba se se nang le lobaka se senyegile mme e bile metsi a sone a sa siamela go nowa ke batho ka a le letswai. Kwa Gojwane gaufi le Serule lenyora le santse le le lentsi ka sediba se se ntseng se nosa motse se senyegile. Kgosi Oagile Kethaetse wa Gojwane o tlhalositse fa seemo sa metsi mo motseng se sa itumedise, a re go le pele, go ne go se maswe ka ba ne ba anwa mo Sedibeng. A re metsi ke botshelo jwa motho ka go sena se se ka dirwang ntle le o ne. Kgosi Kethaetse o lebogile WUC go ba tsisetsa ka dilori le fa go ise go lekane. A re go thata go laola batho ka nako e go gelelwang metsi ka mongwe le mongwe a batla metsi, mme se se dira gore ba kgotlhagane, selo se ba botsogo ba sa se rotloetseng ka se ka baka kanamo ya mogare wa corona. Kgosi Kethaetse a re o na le tsholofelo gore ba tlaa thusega go bona metsi jaaka fa go tshwanetse. health 6 Chamo o tlogela tiro pele ga dingwaga di wela Maina a a latelang ke a bana ba ba yang go direla setshaba kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba mme ba ya go gorogela kwa Francistown... A, ya bo e le mafoko a batsadi le bana ba ba sa tswang go amogela maduo a mophato wa botlhano ka dingwaga tsa bo 1990 ba neng ba a utlwa e le molodi o o monate go tswa mo seromamoweng sa Botswana tshokologo nngwe le nngwe. Ke ka moo ba ba nnileng lesego la go ya Tirelo Sechaba ka dingwaga tseo ba se kakeng ba lebala leina ‘Leatile Chamo’ ka e le lone le le neng le simolola le be le wetsa thulaganyo ya Tirelo Sechaba, e e neng e le pasa ya botshelo jo bo galaleng morago ga go ngakalala le dithuto dingwaga tse di lesome le bobedi. Mme ka e le mmega-dikgang yo o kwenneng, ya re Tirelo Sechaba e ya kupu ene a sala a eme tlhwarara lekolwane la Mokhurutshe. Re bua jaana a letse a latlhela seditse a re ‘ke dirile, go lekanye’. Ammaaruri a dirile ka jaana o tlogela tiro morago ga go direla puso mo maphateng a a farologaneng mme lebaka le lentsi a le ntse mo go la dikitsiso, le a latlhelang jaana a direla mo go lone a okametse kgaolo ya bokone, bonno e le Francistown, Monna yo wa Tonota, yo o neng a ratega e bile a tlwaelesegile ka dinyao, o sikere baki, a belesa koloi ya gagwe ya Isuzu, a bo a re ‘paat!’Moranang a fela. Le fa Rre Chamo a tlogetse tiro ka bogodi jaana, ga se gore ke letlhogo-tshweu le jaanong le tlaa nnang le bonwa le emetse motlaodutse kwa posong. Nnyaa, ‘Chamza’ jaaka ba rata go mmitsa, o tlogela a santse a na le maragogo, ka gonne o setse ka di ka tlala seatla gore a tshware dingwaga tse di masome marataro, tse e reng motho a goroga kwa go tsone go bo go se na ‘ka mme o rile’. Jaaka e le tlwaelo, e rile a laela a direlwa moletlo wa tsamaya sentle ke bana ba gagwe ba mo tirong le balekane ka Matlhatso, Moranang a tlhola masome a mabedi le borobabongwe gone mo Francistown. Mongwe wa babereki ba ba tswang kgakala le Rre Chamo, e bile e le ditsala tse di ntshanang se ’inong, Rre Epena Ngatangue, o ne a felegetsa tsala ya gagwe ka mafoko a a molemo. Rre Ngatangue o supile fa e ne e le ene a neng a okela Rre Chamo mo lephateng ka a ne a lemogile bothakga jwa gagwe le bokgoni. A re Rre Chamo fa o mo file tiro e tshwana le go kwalolola le go rethefatsa polelo e e matswakabele e e ya reng e kwalwa motho wa teng a ntshe ga tshwene ka maikaelelo a go anegela mmadi dikgang tsotlhe tse di amanang le polelo ya go nna jalo ka tsela e e nang le kgogedi jaaka loleme lwa lobodu mo dintshing, o ne a go direla tiro ka bokgabane. “Le fa o ka di mo neela di le dintsi jang, o ne a tshega fela mme a bo a di dira. Le fa a ka tsaya nako mo go tsone, mme o ne o itse gore o tlaa dira tiro ka maatlametlo,” a tlhalosa jalo a tlotlomatsa tsala. Rre Ngatangue a re mo go berekeng ga gagwe le Rre Chamo, ga a ise a mo kgwele lenga kana ba fitlhela ba tlhokile kutlwisisano ka tsela epe fela. A re selo se se utlwisang botlhoko thata fa go chaisa banna ba go tshwana le Rre Chamo, ke gore ba tsamaya ka dikitsokitso tsa tiro eno ya bobega-dikgang, mme tsholofelo ke gore ene le ba bangwe ba ba tlogetseng tiro ba tlaa kopana ba itire lekoko le le tlaa nnang le thusa gope fela mo mererong ya bobega- dikgang. E rile a ntsha la gagwe, Rre Sefhako Sefhako, yo o berekileng ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Rre Chamo mme a le kwa Maun, a re o itumeletse go bereka le mogaka yo, ka e ne e le motho yo o nang le kitso e ntsi ya bobega-dikgang. A re bobega dikgang jwa lefatshe leno bo tlhokana le megaka e e tshwanang le boRre Chamo go fetisetsa kitso e ba e anywileng mo dingwageng tse dintsi tse ba di berekileng mo go bo setlabosheng. “Bobega-dikgang ke tiro e e matsetseleko thata, ka jalo re tlhokana le banna le bomme ba ba nang le kitso e e kwa godimo fela thata e ba e anywileng ka go bereka lebaka,” ga bua jalo Rre Sefhako, yo o okametseng diofisi tsa lephata la dikitsiso tsa Maun, Gumare, le Kasane. Rre Sefhako o kgothaditse babega-dikgang ba kgaso le dikitsiso go ikoketsa ka go bala dibuka mo go tseneletseng. Rre Ishmael Legae, yo o dirang a lebagane le tsa digoagoe tsa ga Tautona mo kgaolong ya Bokone, o ne a supa gore ba ne ba sa itse fa Rre Chamo a tle a galefe, mme a ne a letla batho go iperekisa ntle le go salwa morago. A re o hirilwe mo lephateng nako e le nngwe le boRre Ngatangue, dingwaga di ka nna masome a mararo le botlhano tse di fetileng. Rre Chamo o ba fitlhetse ba ntse ba tshwere tema mme le ene a bereka ka natla le botlhale ka nako yotlhe e a mo itseleng ka yone. Mo go ba ba neng ba re ‘tsamaya sentle’ ga bo go le badiri ba lephata la ditsela ba ofisi ya bone e bapileng le ya dikitsiso mo Ntshe House. Moemedi wa bone Mme Masego Majama a re ene o itsile Rre Chamo a mo utlwa a le mo seromamoweng a bala maina a bana ba Tirelo Sechaba mme a gola a bo a tla a ya go bidiwa ke Rre Chamo gape le ene fa a ya Tirelo Sechaba. A re go tsweng foo o tswa go re, kgatlha thuu! le Rre Chamo gone mo Ntshe House ba lebagane ka diofisi. A re mme ba ne ba mo itse e le motho yo o siameng a le bonolo, e bile bangwe ba ba mo ikanya le go mo tlwaela thata. Rre Chamo o kile a direla kwa Kanye a okametse kgaolo ya Borwa mme pele ga moo a kile a bereka kwa Masunga le Maun e le mmega-dikgang le moeteledipele wa diofisi tseo. Gape o kile a tshwaratshwara ka fa bukaneng ya Kutlwano, e ntse e le mo lephateng, mme a tloga a isiwa sekoleng go ya go ikoketsa dithuto pele ga a boela go tla go tsaya maemo a a tlogelang tiro a ntse a le mo go one. BOKHUTLO education 4 Ba gwethilwe go tlhokomela dikarata tsa mophako Mongwe wa badiri ba boipelego kwa motseng wa Moroka mo kgaolong ya bokone botlhaba, Rre Sephiwe Domkrag o gwetlhile Batswana go somarela dithoto tsa puso segolo jang ba ba dirisang dikarata tsa dijo tsa mophako. A re ka puso e leka ka bojotlhe go tlhokomela batlhoki,ba-na-le-bogole, bana ba dikhutsana, masiela ga mmogo le bone bagodi, go momaruding a bao ba ba filweng dikarata tseo, bana le batlhokomedi ba bone gobona gore ba di dirisa ka kelelelo jaaka ba laetswe ga mmogo le gone go dibabalela. A re mo dingwageng tse di fetileng puso e ne e thusa bana badikhutsana, masiela, bagodi le bone ba-nale – bogole ka mephuthelwana ya dijogo bona gore le bone ga ba wele mo isong ka go le thata gore ba iphataphatele. Mo dingwageng tseo puso e ne e dirisanya le mabentlele ka jalo o ne o fitlhelafela o beetswe mophuthelwana wa gago wa dijo le seshabo mo lebentleleng, gagago e le go tsaya o bo o boela lapeng. Bangwe ba ne ba lela sa khurano ya menoka dishabo tsa bone di ne di siiwa ke nako di le mo lapeng fa bangwe ba ne basupa fa ba ne ba fiwa dijo le melora e tlhaela. Ka ngwaga wa 2009, kgwedi ya Moranang e rogwa, go ne ga dirwa ditshekatsheko mme seemosa fetoga, monyenyo o ne wa tla mo go bao ba ba neng ba akola dithuso tseo ka E rele fa go ntse jalo seo sa tlisa ketsaetsego mo go ba le bantsi ka go na letshenyo e ba boipelego ba e lemogileng mo badirising ba dikarata tseo. Go ya ka Rre Domkrag yo o okametseng kgaolo ya BokoneBotlhaba, a itebagantse le tsone dikarata tseo, mo dipuisanong le lekalana laBOPA o tlhalositse fa a amogetse dipego go tswa Moroka le ntswa ba ba mometseng e mengwe ba tshaba go ikuela, a re batlhokomedi ba bana ba dikhutsanale masiela ba dirisa dikarata tseo go reka dithoto tsa ntlo di tshwana ditilole tse dingwe le ntswa tiriso ya karata eo e le go thusa gone go rekela ngwanakgotsa bana bao dijo mo lapeng. A re dikarata tseo ga di a tshwanela go rekasepe ntle le dijo. A re mo go tse dingwe bana ba ba tlhokomelwang kebonkukuabone ba na le go tsaya dikarata tseo ntle le kitso ya bagolo mme bareke dimonamone le tse dingwe tse di tshesanyane. A re bagolo ba tshwanetse gotlhokomela dikarata tseo, go bona gore di dirisiwa sentle, di reka tse ditshwanetseng jaaka ba laetswe e bile di bewa fa go babalesegileng ka dingwe di O tsweletse ka gore botlhe ba ba filweng dikarata tseo batshwanetse go di somarela fela jaaka dikarata tsa Omang le tsa dibanka ka dilopa puso matshebetshebe a madi. A re fa karata eo e senyegile kgotsa erobegile ba lopa motsadi madi a a kanang ka masome a mane a dipula gore a kgonego direlwa e nngwe. Rre Domkrag a re go tshwanetse gape ga nna le dipuisano lemerero mo lapeng magareng ga bana e leng bone beng ba dikarata ga mmogo lebatsadi go utlwa gore ngwana o tlhoka eng se a eletsang go se rekelwa, e katswa e le dijo tsa pelo ya gagwe kgotsa melora go tila gone gore bana ba feleleba utswa dikarata tseo go ya go ikgotsofatsa. A re ngwana o tshwanetse go itsegore go rekilwe eng ka karata ya gagwe. A re le ntswa ba na le dikgwetlho tsa gore dikarata ga didirisiwe sentle, ba amogetse gape dipego fa boradikgwebo bangwe ba badirisanyang nabo kgotsa mabentlele mangwe, one a a kgethilweng go thusa badikarata a na le tsietso golo gongwe. Rre Domkrag a re ba supile fa mabentleleao a na le ditlhwatlhwa tse dintsi, a rekisetsa ba dikarata ka madi aa kwagodimo fela ka gore gatwe ba dirisa madi a puso. A re seo ga se tirisano mmogoe e siameng ka e baya ba dikarata ka fa mosing ka ba tlaa bo ba tshwanelwa kego reka dijo di le dinnye, madi a tlhaetse. O tlhalositse gape fa madi a a tsenngwang mo dikarateng tseoa farologana go ya ka dikgaolo. O supile fa mo kgaolong ya gagwe, ngwana a lemongwe a tsenyediwa makgolo a supa a dipula, fa ba le babedi e le a ferabongwea dipula, bale bane kgotsa go feta ba tsenyediwa sekete le makgolo a maratarole sephatlo sa dipula. Mongwe wa badirisi ba dikarata tseo, Rre Lekgoa Banyatsi osupile fa karata eo e mo thusa fela thata ka a kgona go reka tse a di tlhokangka nako ya gagwe. A re o lebogela puso go bo e tsile ka mothale o wa dikarataka jaanong a kgona go ikgethela se ene a batlang go se ja go na le mo malobenga ne a fitlhela a phutheletswe dijo tse a sa di rateng. O supile fa ene a neetse ntsalae karata eo go mo e beelasentle le dikarata tsa gagwe tsa dibanka, ka e le ene motlhokomedi wa gagwe. Are o tlaa e tshwara ka manongtlhotlho ka a itemogetse fa e dirilwe boturu. Fa a tswa la gagwe, Mme Nchidzi Malopa ene o tlhalositse fakarata ya gagwe e ne e tlhokomelwa ke nkukuagwe mme e bile a ne a nna a ebofeletse ka letselanyana go bona gore ga e kgobolwe ke sepe. A re pele gadikarata, mephuthelwana e ba neng ba e beelwa mo mabentleleng e ne etla e semmogo nako tse dingwe gape ba ne ba neelwa melora e mennye mme a supa fa kakarata a kgonne go ithekela melora e mentsi ka a ne a tlhatswa paka ya sekolethata ka jalo a tlhoka melora e megolwanyane. O rotloeditse botlhe ba ba dirisang dikarata tseo go di babalela ka di ba thusa fela thata. society 9 Barui ba gakolotswe go nna le seabe Barui ba meraka ya Morale kwa kgaolong potlana ya Mahalapye ba kgothaditswe go tlhokomela leruo. Fa a bua kwa thuto-puisanyong e e neng e rulagantswe ke ofisi ya mosepele le ipabalelo tseleng kwa Morale bosheng, Kgosi Kobamelo Maunatlala wa kgotlana ya Leretlwa kwa Mahalapye o ne a re leruo le le sa tlhokomelweng le sasanka mo tseleng ya A1 mme le felele le baka dikotsi tse di gapang matshelo a batho. Kgosi Maunatlala a re go utlwisa botlhoko go bona batho ba latlhegelwa ke matshelo, bangwe ba sala ka bogole le go latlhegelwa ke batlamedi ka ntata ya leruo le le sa tlhokomelweng ke beng. O kgothaditse barui go nna le boikarabelo ka go tlhokomela leruo. A re bogogi jwa Mahalapye bo tshwenngwa ke seemo se se golelang pele sa dikotsi tse di bakiwang ke leruo mo tseleng ya A1. Le fa lephata la ipabalelo tseleng le mapodisi ba dira ka natla go laola seemo, Kgosi Maunatlala a re maiteko a bone a folodisiwa ke go salela morago ga barui. Kgosi Maunatlala a re botlhe ba ba amegang ba tshwanetse go tsaya boikarabelo. “Ke ipotsa gore o le morui o tseega jang fa kgomo ya gago e bakile kotsi, e gapa botshelo jwa mongwe kana e tlogela mongwe ka bogole,” ga bua Kgosi Maunatlala. Mogolwane wa lekalana la sepodisi la pharakano kwa Mahalapye, Rre Modisaotsile Maabanyane a re ke boamaruri gore leruo le le senang tlhokomelo le tsweletse ka go nna le seabe mo dikotsing tsa tsela ya A1. O gateletse botlhokwa jwa gore barui ba nne le seabe mo lenaneong la ipabalelo tseleng. Rre Maabanyane a re mo nakong e e fetileng, barui ba le 60 ba lebisitwe molato morago ga gore leruo la bone le bake dikotsi. “Bagaetsho ke batla le tlhaloganye gore fa re bua ka kotsi ya tsela re bua ka seemo se se ngomolang pelo ka mongwe o latlhegelwa ke botshelo, mongwe a fetoga mona-le-bogole ka ponyo ya leitlho, go latlhegelwa ke koloi, botlhoki kana seemo sepe fela se se utlwisang botlhoko. Ka jalo go botlhokwa go tsaya boikarabelo jwa go laola seemo se,” Rre Maabanyane a gakolola. Rre Maabanyane o supile gore dipalo tsa leruo le le ntshiwang mo tseleng ya A1 di tsweletse ka go oketsega a re ba bone go l botlhokwa go ikopanye le barui go ba tsibosa ka seemo se. O supile fa ka 2015 dikgomo di le 12 458 di ne di sasanka mo tseleng ya A1 go sena yo o di tlhokometseng, ka 2016, palo eo ya oketsega go nna 14 352, fa ka 2017 dikgomo di le 7 683 di ne tsa ntshiwa mo tseleng ya A1. A re go tsena ka Phukwi monongwaga, dikgomo di le 7 963 di fitlhetswe di gobeya mo A1. Rre Maabanyane o supile fa go simolola ka 2015 go tsena ka Phukwi monongwaga dikotsi di le 456 di bakilwe ke leruo. Go tsibogela seemo se, barui ba meraka ya Morale ba ipopile ditlhopha go tlhama mekgatlho e e tlaa dirisanang le ba ipabalelo tseleng le sepodisi go lwantsha seemo, kgato e e iteetsweng legofi ke lekalana la mesepele le ipabalelo tseleng. Mongwe wa barui, Rre Bakgosi Moloigaaswe o supile fa a tshwentswe ke seemo se a re ba tlaa itlama e le barui go tshwaragana le makalana a puso a a amegang go fokotsa dikotsi tse di bakiwang ke leruo. Le fa go na le terata e e ageletseng tsela go itsa leruo go tsena mo tseleng, Rre Moloigaaswe a re go na le bangwe ba ba senang boikarabelo ka go tlogela diheke di sa tswalwa mme leruo le tsene mo tseleng. Mme Bani Tamocha ke mongwe wa barui ba ba reng ba babaletswe ke go duela ditshenyegelo tsa dikotsi tse di bakwang ke leruo. Mme Tamocha a re o tshwenngwa ke bangwe ba ba butseng marekisetso a nnotagi mo merakeng, a supa fa seemo seo se dia badisa go dira tiro. Mogolwane wa ofisi ya dipalamo le ipabalelo tseleng kwa Mahalapye, Mme Pearl Kasweka a re ba dira ka natla go gasa melaetsa ya ipabalelo tseleng. Mme Kasweka a re go kopana le barui ke mothale mongwe o ba o dirisang go lwantsha dikotsi. A re go botlhokwa go tsibosa botlhe ba ba amegang go thusa go tswa ka maano a go ritibatsa seemo. Mme Kasweka a re lephata la gagwe le setshaba ba filwe maitlamo a go fokotsa dikotsi ka sephatlo ka 2020. A re dikotsi di kokonela itsholelo, bangwe ba latlhegelwe ke batlamedi le ditshenyegelo tsa go tlamela ba ba amilweng ke dikotsi. O kopile barui go tsaya boikarabelo go tlhokomela leruo e seng go latlhelela tsotlhe mo diatleng tsa badisa. Mme Kasweka o tsibositse barui go emisa go roma bana ba ba kwa tlase go kgweetsa kara ya ditonki. Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Ba Ntsweletau ba simolodisa ditshupo Ditshupo tsa Lentsweletau tse di neng di tshwerwe ka mafelo a beke, di simolotse di le boutsana morago ga gore balemi ba kgaolo eo, ba tseye tshwetso ya go simolodisa ditshupo tseo morago ga lebaka le le leele di sa tshwarwe. Ere ka Ramasedi a segofaditse lefatshe leno ka dipula tse dinamagadi, balemi ba kgaolo eo, ga ba a kaba ipona tsapa mme ba nna moono mongwefela go simolodisa ditshupo ka thobo ya monongwaga e ne e le ntsi gore ba kgone ba tsosolose serodumo sa temo mo kgaolong. E rile a amogela baeng mo motseng wa gagwe, Kgosi Motswasele Kgosidintsi, a lebogela letsatsi leo go bo le le lesha mo go bone morago ga dingwaga ditshupo di sa tshwarwe. Le fa gontse jalo kgosi o kaile fa a sa itumelela go bo batsayakarolo ba akaretsa ba lalediwa ba tlotla ba sa iponagatsa ko ditshupong tseo a re selo se, se baya ditshupo ga mmogo le one motse ko tlase. Mongwe wa barulaganyi ba ditshupo, Mme Emily Mathwanye are fa ba baakanyetsa ditshupo, ba ne ba lebanwe ke dikgwetho tse di ntsi. Are ba eletsa gore lebala la ditshupo le baakangwe le tle le lebege ka ebile go kailwe go na le tshenyo le leswe le le dirwang mo lebaleng leo. O tsweletse ka gore ere ntswa thobo e nnile ntsi monongwaga, balemi ba santse ba na le kgwetlho ya diterekere tse a kaileng fa di tlhaela. O boile gape are bangwe ba balemi ba ganelela ko ipelegeng selo se areng se isa temo ko tlase. Le fa gontse jalo, mme Mathwanye o kopile dithuso gore ditshupo tsa motse oo di atlege ngwaga o o tlang. O kgothaditse balemi gore ba eme ka natla go tsosolosa ditshupo tsa motse oo. E ne yare a simolodisa ditshupo semmuso, mopalamente wa kgaolo Rre Moeng Pheto a kaya fa a rolela barulanyi ba ditshupo tseo hutshe go bo ba kgonne go phutha morafe go tla go keteka ditshupo tseo ntswa ba nnile le dikgwetho tse ba nnileng le tsone. Le fa go ntse jalo are balemi ba seka ba ipona tsapa ba tlelwa ke boitlhobogo. Are o eletsa gore balemi barui ba gopolane, ba itseye motlhala ba bo ba itshekatsheke gore ba bone gore ba ka tokafatsa ka tsela e e ntseng jang. O boile gape are mo kgaolong ya selemisi ya kweneng botlhaba, batho ba teng ba itshetsa ka temo thuo ntswa le fa ba ne ba sa tlisa disupiwa tse di bonalang. Are bothata jo bo tona jwa bone ke goreditlhwatlhwa tse ba lebogwang ka tsone fa ba tla go supa diruiwa tsa bone di ko tlase. Are barui bangwe ba itlhophetse go supa leruo la bone ko ditshupong tsa Gaborone go na le mo ditshupong tsa dikgaolo ka gore lemmenyana la teng le botoka. Are go dira jalo go baya ditshupo tsa dikgaolo kwa tlase. Mme le fa gontsejalo o gwetlhile balemi barui go itse bomosola jwa ditshupo a tlhalosa gore ditshupo ke mmaraka o ba ka supang leruo kgotsa temo ya bone mme bareki ba itse gore fa ba setse ba batla go reka ba ka bona kae dilo tsa go nna jalo. O rotloeditse balemi go tsaya temo thuo jaaka kgwebo ebile ba itseye tsia gore kamoso ba ijese ga mmogo le ba malapa a bone. Fa a wetsa o kopile komiti ya ditshupo go baakanyetsa ditshupo tsa ngwaga o o tlang nako e sale teng gore ba kgone go kopa dithuso ka nako.BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Godisetsang bana mo tumelong Maloko a National Prayer Team (NPT) go tswa mo dikerekeng ka go farologana a kopile batsadi go godisetsa bana mo Modimong le go ba fa tlhokomelo e e lolameng. Maloko ao ba ne ba ile go rapelela bana le go ba abela dikobo kwa Pitsane mo kgaolong ya Borolong. Mongwe wa maloko ao, Moruti Reginah Mosimanewakgotla o ne a tlhalosa fa ba etela bana kwa dikolong ka Mosupologo le Labotlhano go ba rerela le go ba rapelela. A re ba lemogile gore bana ka bontsi ga ba ise ba itse Modimo, ebile tlhokomelo ya bone ga se e e kgatlhisang fa ba ya sekoleng Mme Mosimanewakgotla o boletse fa bontsi jwa bana ba go nna jalo ba ya sekoleng ba se na ditlhako, ba bangwe ba setse le basadibagolo fa bommabana ba le kwa ditoropong. O kgadile thata batsadi bangwe ba ba tlogedisang bana dikole go ya go ba ruta bongaka jwa Setswana. O gakolotse gore bana ba godisediwe mo Modimong go fapoga botlhoka tsebe. Mogolwane wa setlhopha seo sa merapelo, Moruti Cynthia Rendoh o ne a tlhalosa fa ba se kereke mme e le baithaopi go tswa mo dikerekeng tse di farologaneng e le balebeledi le barapeledi ba setshaba. A re ba leka go diragatsa matshego a tebelopele ya setshaba ya 2016, le go thusa fa puso e tlhaelang teng. Maloko ao a ne a abela bana dikobo tse di tswang kwa komponeng ya Western kwa Gaborone. Dikobo tseo di abetswe bana ba batlhoki le dikhutshana ba Pitsane, Rakhuna le Dinatshana. religion_and_belief 8 Ba Serinane ba kopiwa go isa dikgafela Kgosi ya Serinane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Malang Galoatle, o kopile gore ka kgwedi ya Phalane ba ba robileng kwa masimong ba tsise thobo kwa kgotleng. O buile seo fa a buisa phuthego kwa kgotleng ya motse oo. O ne a supa fa ngwao e nyelela ka jalo o bone gole botlhokwa gore ba tsosolose dikgafela le go bolotsa letsema. Fa re sena go bolotsa letsema gona le meila ya ditlhare le ya dipoo. O supile fa ka ngwao ya setswana ele moila go rema ditlhare go sena go bolotswa letsema.One gape a ngongoregela batho ba ba sa somareleng tikologo. O kaile fa gona le batho bangwe ba ba remang ditlhare go dira dikota mme ba di rekise mo tseleng ya Serinane-Molepolole.O supile fa seo se sa siamela tikologo. O kopile botlhe baba remang dikota bas a neelwa teseletso ya go dira jalo bat la tseelwa dikgato tse di gagametseng.Kgosi Galoatle o ne gape a kopa basadi go tla kgotleng ba apere sentle. O kgadile basadi b aba tlang kgotleng ba apere marokgwe. O tsweletse ka go ngongoregela gobo banana ba Serinane ba le boitseme go ikopela ditsha. O ne a kopa batsadi go rotletsa banana go ikopela ditsha. O supile fa ele Kgosi ene a amogela mongwe le mongwe Motswana yo a ikopelang setsha. Fa ba kgwa kgosi dikgaba Rre Moemedi Kwenaetsile o ne a supa fa kgang ya go rema dikota ka bokete e mo tshentse. O supile fa bare ba kgalema b aba senyang b aba raya bare ditlhare gase tsa bone.Mongwe wa banni Mme Pelaelo Tebele o supile boitumelo gobo kgosi a na le maikaelelo a go tsosolosa ngwao ka dikgafela. O ne a gakolola basadi go apara dijale le go rwala ditukwi mo kgotleng mme borre baa pare dibaki. arts_culture_entertainment_and_media 0 Maun boremelelo jwa Bojanala Kgosana wa kgotla ya Shashe kwa Maun, Rre Princeloo Shashe o akgoletse badiri ba Metropolitan Botswana, Namibia le Lesotho go abela bana ba ba tlhokileng lesego mo botshelong dimpho di akaretsa didirisiwa tse di tlhapang. Badiri bao ba ne ba aba le dipampiri tse di kwalelang. Fa a bua kwa kabong ya dimpho tseo bosheng, Kgosi Shashe o supile fa ba dirisana le Metropolitan Botswana e bile e a ba boloka. O ba kopile go tswelela ba ba thusa, ka lefoko la Modimo le re go sego letsogo le le abang, go na le le le amogelang. O bile a tlhalosetsa ba Metropolitan Namibia le Lesotho fa motse wa Maun e le kgoro ya go ya kwa bojanaleng, mme a ba laletsa go etela lefelo la diphologolo la Moremi go bona diphologolo ka mefuta. Kgosi Shashe o ne a re e re le ntswa batho ba Maun ba ne ba sa tsena dikole mo go kalo, ba ne ba nna le botlhale jwa go somarela diphologolo tsa bone. Fa a latlhela la gagwe, Mmaboipelego wa kgaolo eo, Mme Lesego Majang a re kgaololwana ya gagwe e na le batlhoki ba ka tshwara makgolo a mabedi le bana ba masiela ba le lekgolo le botlhano, fa ba ba tlhokileng lesego ba ka tshwara lekgolo le masome a matlhano. A re puso e a leka, fela go santse go tlhaelela kgakala. A re ke sone se ba itumeletseng thuso ya ba Metropolitan. O bile a re bana ba sekole se sebotlana sa Shashe le se segolwane sa Tshwaragano ba kopana le dikgwetlho tsa matshelo a letsatsi le letsatsi. A re bangwe ba tlhoka molora wa go ka tlhapa kana go tlhatswa kapari ya sekole. Sebui go tswa kwa Metropolitan Botswana, Rre Walter Mohutsiwa a re e le ba Metropolitan Botswana, ba bonye go tshwanela gore ba ise balekane ba bone ba ba etetseng go tswa Namibia le Lesotho kwa Maun. A re mmaboipelego o ne a ba bolelela letlhoko, mme ba gwetlhega thata go thusa. O tsweletse a re bana ke bone isago, mme e bile Setswana sa re matlo go sha mabapi, e bile kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. A re puso e le nosi e ka seke e kgone seemo sa go nna jalo. health 6 Barui ba fiwa maele a go lwantsha bogodu Mothusa mookamela kgaolo ya sepodisi ya borwa, Assistant Commissioner, Boikhutso Dintwa o file barui ba kgaolo ya Ghanzi maele a go fenya ntwa kgatlhanong le bogodu jwa leruo jo bo sa ba robatseng. O amogane maele ao le barui kwa thuto-puisanyong e e neng e itebagantse le ntwa kgatlhanong le bogodu jwa leruo kwa Charleshill ka Laboraro. Rre Dintwa o ne a gakolaola barui fa go le botlhokwa gore baagisanyi kwa merakeng ba itsane, e bile ba tshwanetse go ela tlhoko le go tlhotlhomisa metsamao ya batho ba ba sa ba itseng mo dithoteng tsa bone. O ne a kopa barui go nna ba loma tsebe ba seposisi fa ba lemoga kgotsa ba belaela borukuthi bongwe mo dikgaolong tsa bone. “Re na le matsananyana a puso e a re fileng go a dirisa mo ditlhotlhomisong, re kgona go atswa motho yo o re thusitseng mo ditlhotlhomisong fa re dule sentle,” a tlhalosa. Rre Dintwa o ne a tlhalosetsa barui gore ba tshwanetse go thokomela leruo ka go ya merakeng kgapetsakgapetsa le gone go itse leruo la bone, fa godimo ga moo a ba rotloetsa go duela badisa sentle gore ba tie moko. O ne a gakolola barui gore ba tshwanetse go itse babereki ba bone, maina a bone ka botlalo le kwa ba tlholegang teng. A re fa e le batswakwa, ba tshwanetse gore e bo e le ba ba nnang mo lefatsheng leno ka fa molaong e bile ba hirilwe go setswe melawana ya pereko morago. O ne a tlhalosa gore bangwe ba hira batswakwa ka bokukuntshwane e bile ba sa itse maina a bone a matsalo. “Motho o kgaona go itse fela gore o bidiwa Ndlovu kgotsa Ncube mme a sa tlhomamaisa gore a ke leina la gagwe la matsalo.” Se a re ga se tlolo molao fela ka se ka ba rwesa mokgweleo wa tsa phitlho fa go ka diragala gore motswaka yoo a tlhokafale. Mo godimo ga moo, Rre Dintwa a re seemo se se rotloetsa borukhutlhi, a tlhalosa fa go na le dikgang tse di utlwisang botlhoko tsa batswaka ba ba tseetseng ba ba ba hirileng madi morago ga go rekisa leruo la bone mme ba tsene ka lenga la seloko. O ne a tlhagisa barui fa go le borai go tlogela ditshipi tse di tshubang dikgomo le ditlankana tsa tsone kwa merakeng. A re barui ba tshwanetse go ema ka dinao ba bereke le mapodisi gore ba kgoreletse marekisetso a dinama a a ipeileng fela mo go gwebeng ka dinama tsa dikgomo tsa bogodu. Go tshuba le go tshwaya leruo le gone o supile fa go le botlhokwa, go kgoreletsa bogodu jwa leruo le go thusa ka nako ya ditsheko tsa leruo. Go tlhoka go tshwaya le go baya dikgomo tshipi go ka godisa ditshenyegelo tsa bosekisi mo dikgannyeng tsa leruo ka go ka pateletsa gore go dirwe kanoko ya dikarolwana tsa madi (DNA) go rarabolola dikgang tse. Rre Dintwa o ne a supa matshwenyego a gore go na le ditshipi tse di sa kwadisiwang ka fa molaong, a re dikgomo tse di tshubilweng ka ditshipi ke tsone tse di rekisiwang mo marekisetsong a dinama a a rekang leruo la bogodu. Ka jalo o ne a kopa barui go nna ba batlisisa distshipi tse ba sa di itseng, e sere gongwe di tlaa ba jela dikgomo. O supile fa puso e tshwentswe thata ke go tshololwa ga dikgang tsa bogodu jwa leruo. A re selo seo ke ditsheneyegelo mo pusong ka ba dirisa madi le nako e ntsi go dira ditlhotlhomiso tsa tsone. Rre Dintwa o kaila fa batho ba ba utswang dikgomo ba le pelo dithata. “Fa o ka mo lesa o re ke ngwana waga mmago o tsoga buile gape. Fa o itswarela legodu itse gore o a bo o itlhasetse, le fa e le lesika la gago, nna pelo e thata.” O ne a supa fa mo kgannyeng nngwe, mmueledi a le mo mathateng ka gore o duetswe ka dikgomo tsa bogodu ke mongwe yo a neng a mo emetse mo tshekong ya bogodu jwa leruo. Tebang le tlhokomelo ya dihutshane, a re tseo di latlheletswe go latlhwa ka dingwe di sa tlhatlhelwe gotlhelele. A re bangwe ba di tlhatlhela mo masakeng di bo di lala di le nosi, ka jalo magodu a kgona go nna le nako ya go di utswa go sena sekgoreletsi sepe. crime_law_and_justice 1 Dipaakanyo tsa go ipela di tsweletse kwa Moeng Lekgotla la batsadi le barutabana, ga mmogo le baithuti ba sekole se segolwane sa Moeng ba semeletse go ipakanyetsa moletlo wa go ipelela dingwaga tse di masome a supa sekole seo se ntse se le teng. Moletlo o, o solofetswe go tshwarwa Lwetse a tlhola malatsi a le marataro. Fa a bua mo mogwantong o o neng o rulaganyeditswe go kgobokanyetsa moletlo oo madi ka Matlhatso, mogolwane go tswa kwa moepeng wa magala wa Morupule Rre Tomi Setshogo o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go itshekatsheka, segolo jang ka sekole seo se na le lobaka se ntse se dira. Rre Setshogo a re go dira jalo ke go busetsa serodumo sa sekole seo, ka e bile e le sekole se se nang le ditso tsa gore se alositse bomme le borre ba bontsi jwa bone e leng bone batshwara marapo mo ditirong tsa boikarabelo tse di tsholeditseng itsholelelo ya lefatshe leno. A re moletlo o o tlang o, o batla gore banna le basadi ba ititee dihuba, mme seo se ka kgonega fela fa ba ka nna seopo sengwe e le tshabaka maikaelelo ago go direla sekole seo. Mongwe wa baithuti ba pele ba sekole seo Rre Daniel Kotsu yo o dingwaga di masome a supa le bobedi, o ne a tlhalosa fa a simolotse dithuto tsa gagwe tse dikgolwane ka 1964, mogokgo e le Rre Benjamin Thema. Rre Kotsu a re ka nako eo, sekole se ne se ijesa, go lengwa , go ruilwe dikgomo tsa mashi le nama. A re dijo di ne di sa rekwe gope ka di ne di le boutsana go bonwa. Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa a sa itumedisiwe ke dikago tsa sekole seo a re ga di lebege, di onetse mme di tlhokana le go shafadiwa, ka jalo a isa boikuelo mo go botlhe ba ba tseneng sekole koo go emela sekole sa Moeng ka dinao go se baya mo maemong a a botoka. A re maikaelelo ke go busetsa seemo le serodumo sa sekole seo mo maemong a a tshwanetseng, a tlatsa ka go kopa baithuti ba sekole seo ba gompieno go nna le maitsholo a a eletsekang ka e le bone ba ka thusang gore dikago tseo di lebege. Rre Kotsu o ne gape a ba rotloetsa go tsaya dithuto tsa bone ka tlhoafalo, segolo jang mo dinakong tsa gampieno tse thuto e dirisiwang go itshetsa le go itlhamela ditiro e seng gore motho a thapiwe ke puso. Setlhogo sa go ipelelela moletlo ke Go Tsenya Letsogo ga ba ba Amegang, Selotlolo sa go Tsosa Mokaloba, Moeng Dingwaga tse di Masome a supa le go Feta’. Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa Palapye yo le ene e le moithuti wa pele wa sekole seo, Rre Moiseraele Goya o ne a tlhalosa fa Moeng e le sekole se se neng se itsewe ka maduo a a kwa godimo, mme mo nakong eno se batlelwa kwa tlase ga dikole tse dingwe. Rre Goya a re ga a tlhaloganye gore mathata a fa kae, a tlhalosa fa ka nako ya bone go ne go se na dibuka tse di balwang mme ba ne ba kwalelwa fela mo boleke borotong. Mo nakong ya gompieno moithuti mongwe le mongwe a fiwa dibuka go ipalela ka nako ya gagwe mme maduo a tlhabisa ditlhong. O ne a kopa ba ba rulaganyetsang moletlo oo gore se se tlaa phuthwang se seka sa dirisiwa sotlhe mme bontlha bongwe bo salele go tokafatsa dikago tse dikgologolo tsa sekole seo, a tlatsa ka go re puso ka nosi ga e kgone e tlhoka go thusiwa ke ba ba nang le sengwe go thusa. A re mogopolo wa gore a batho le dikopompone ka bongwe ka bongwe ba ikabele dikole go di thusa o seka wa nyelela ka o thusitse dikole di le dintsi go di namola mo lehumeng mme e bile dingwe tsa tsone di dira sentle. O ne a kopa baithuti le batsadi go tshwaraganela go diragatsa ditoro tsa bone, go kgalema botlhoka tsebe le bosinyi. A re ka dinako tsa bone ba ne ba rutilwe gore sekole se se ya go tsenwa ke ba ba tlang kwa morago ga bone, ka jalo ba se tlhokomele. arts_culture_entertainment_and_media 0 Ba Phuduhudu ba rotloediwa go tshegetsa lenaneo la motse Banni ba Phuduhudu mo kgaolong ya Bokone Bophirima ba rotloeditswe go tshegetsa dithuto tsa tlhokomelo ya legano morago ga lenaneo la lephata la botsogo le le tsereng ngwaga mo motseng oo. Fa a bua kwa tswalong semmuso ya lenaneo leo bosheng, mogolwane wa tsa botsogo, Rre Setshwano Mokgweetsinyana o ne a re lenaneo leo le ntshitse maduo ka batho ba motse oo, bagolo le bana ba tlhatlhobilwe ka bontsi ba bo ba fiwa kalafi. A re go supile fa banni ba le makgolo mane, masome a matlhano le bosupa mo palong ya motse oo ya batho ba bamakgolo marataro ba thathobetwse malwetse a legano. A re seo se supa fa tirisano mmogo e ne e le e e kwa godimo. Le fa go ntse jalo, Rre Mokgweetsinyana a re o ipotsa gore ke eng bangwe bone ba sa itlhatlhoba. A re botsogo bo simolola ka mong a tsaya tshwetso, a tshwaela fa dipatlisiso di supa fa batho ba fera bongwe mo lesomeng ba angwa ke malwetse a legano. Rre Mokgweetsinyana o ne a tshwaela fa botsogo jwa legano e le konokono ka bo dira gore motho a nne le botsogo jo bo siameng. O ne a gwetlha banni bao go tsweledisa dithuto tse ba di anywileng le go di fetisetsa mo dikokomaneng tsa bone. A re go botlhokwa go tlhatlhojwa legano nako e sa le teng bolwetse bo ise bo koafatse motho gore a bone kalafi ya leino e seng go ntshiwa. Rre Mokgweetsinyana o ne gape a tlhalosa fa lephata la botsogo le na le mananeo a mantsi a go rutuntsha batho ka malwetse a legano. Fa a tshwaela, mogolwane wa kokelo ya Letsholathebe, Dr Maxwell Mungisi o ne a re o solofetse fa lenaneo leo le tlogetse boitemogelo jo bogolo mo bathong ba Phuduhudu. Dr Mungisi o ne a lebogela ba motse oo go bo ba amogetse badiri ba botsogo ka mabogo oo mabedi, a leboga le bone badiri ba botsogo ba ba dirileng gore tiro eo e atlege. BOKHUTLO health 6 Go bopa go ka nowa moro Tiro ya diatla e mosola ka ke ya botshelo jotlhe e bile motho o ka e fetisetsa kwa go ba ba tswang kwa tlase. Mme Keseitsheletse Ditshotlo wa kgotla ya Lekgwapheng kwa Molepolole o boleletse Mme Ditshotlo wa dingwaga tse di masome marataro le bosupa, o tlhalositse fa a sale a simolola go bopa dinkgwana ka 1972, a dirisa kitso e a neng a e anywa mo batsading ba gagwe. A re e rile a gola a fitlhela mmaagwe a bopa e bile a ba godisetse ka madi a go bopa. Seo a re se ne sa mo lemotsha bomosola jwa go dira ka diatla mme le ene a inaakanya nago. A re mongwe wa bana ba gagwe le ene o simolotse go bopa go itshetsa le go somarela ngwao. Mme Ditshotlo a re o na le fa a bayang tlhogo teng, e le fa go gatang dinkgwana tse a di bopang teng. A re o setse a itsege kwa Molepolole le metse e e mabapi. E ne ya re 2008 go simolodisiwa dikgaisano tsa malatsi a ga Tautona tsa bodiragatsi le botaki, a seka a ipona tsapa, a iteka lesego. A re fa a sale a di tsenelela, o fentse makgetho a le mmalwa a supa fa a ne a ikgapela maemo a ntlha makgetho a le mararo. Mme Ditshotlo o bile a supa gore letsatsi la bagwebi ba ba botlana la LEA la kgwedi le kgwedi kwa marekisetsong a Mafenyatlala kwa Molepolole le mo fa sebaka sa go ipapatsa. O kaile fa dinkgwana tsa gagwe di tseneletse dikgaisanyo ka go farologana di akaretsa tsa kgaolo, tsa lefatshe le kwa mafatsheng a mangwe, a tlatsa ka go re nngwe ya tsone e ne ya tsenelela dikgaisano kwa Afrika Borwa ka 2008 mme ya ikgapela maemo a ntlha. A re lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao le kile la mo isa kwa bokopanong jwa bataki kwa Mozambique ka 2013 go ya go rutana le bataki ba koo. Mme Ditshotlo a re o rutile banana go bopa kwa Kang, Letlhakeng, Kasane le Maun. economy_business_and_finance 3 Kgosi o rotloetsa kotlhao ya bana Kgosi Jeremiah Chinguli wa Dagwi mo kgaolong potlana ya Tutume a re go botlhokwa gore batsadi ba kgaleme gape ba otlhae bana fa ba inaakanya le boitshwaro jo e seng jone. Kgosi Chinguli o buile jalo mo potsolotsong bosheng. A re kgalemo le kgotlhao e batsasdi ba ka e fang bana e ka thusa go fokotsa boitshwaro jo bo sa kgatlhiseng jo bangwe bana mo motseng ba tsweletseng ka go bo supa. A re dilo tse di fatlhang di akaretsa boimana jwa dingwaga tse di ko tlase, manyalo a a sa rulagangwang ka fa moalong, go tlogela sekolo, go thukutha batho bosigo le tse dingwe ka go farologana tse bangwe ba tsweletseng ka go inaakanya le tsone di tsweletse ka go golela pele mo motseng.Kgosi Chinguli a re boitshwaro joo bo ka fokotsega fela fa batsadi kwa gae ba ka nna le seabe tebang le kgalemo ya bana. A re batsadi ke bone ba ka rotloetsang bana go ikgapha ka go ntsha lentswe la kgalemo le le tseneletseng ga mmogo le dikgakololo tse di maleba.Kgosi Chiunguli a re ntle le gore batsadi ba tsenye letsogo mo kgalemong ya bana ditiro tsa botlhoka tsebe di tla tswelela e le kgwetlho gape di golela pele.Kgosi a re ga go ope ngwana yo o tshwanetseng go golela motsadi, a tlatsa ka gore batsadi ba seka ba tlogela bana go dira boithatelo ka seo le sone se ka rotloetsa boitshwaro jo e seng jone. Go sale foo kgosi Chinguli o bile a kgala bangwe batsadi ba ba kgatlhanong le kotlhao ya bana, a re bangwe batsadi ba dumalane le gore bana ba bone ba ka otlhaiwa kwa kgotleng fa ba bonwe molato.A re go otlhaya ngwana ke tsela e e tswang goo-lowe e dirisiwa, a supa fa e le yone gape tsela e e neng e dirisiwa go bontsha ngwana tsela ya nnete. Kgosi o bile a kgala gape bangwe batsadi ba a reng ba bipa mpa ka mabele, a re le ntswa bana ba bone ba dirile sengwe se se kgatlhanong le molao ba nna fela ba sa bege dikgang tseo. society 9 Tshwaragano e ka tlhabolola dikole Baithuti ba sekole se segolwane sa Lerala ba gwetlhilwe go tsaya karolo e kgolomo go diragatseng gore tshwaragano ya sekole sa bone le sa Hutchesons GrammahSchool go tswa kwa Scotland e tswelela pele. Fa a bua bosheng kwa sekolengseo se se neng se etetswe ke mongwe wa barutabana ba dithuto tsa Geography gotswa kwa Hutchesons Grammah School Rre Calvin Clarke, mogokaganyi watshwaragano ya dikole tseo Mme Gaafele Kedidimetse a re gore tshwaragano yadikole tseo e atlege baithuti ba tshwanelwa ke go tsaya karolo ka go buakgapetsakgapetsa le ditsala tsa bone kwa Hutchesons Grammah School ba aroganale bone maitemogelo a bone. A re ba tshwanelwa gape ke gotsaya karolo mo go se ba ditsala tsa bone ba Hutchesons Grammah School ba bakopang go se dira ka tsotlhe tseo di tlaa tswela sekole sa gagwe mosola. A re tshwaragano ya sekole sagagwe le sa Hutchesons Grammah e simolotse ka 2014 e le lengwe la mananeo aBritish Council la go rotloetsa tshwaragano ya dikole tsa Aferika le tse di kwantle ga Aferika. Mme Kedidimetse a retshwaragano ya sekole sa gagwe le sa Hutchesons Grammah ke kgatelopele e kgoloka go setse go na le tema. A re baithuti ba ne ba dira dipatlisiso di bitswaHutchesons Challenge mme mo dipatlisisong tseo ba batlisisa gore ke engbaithuti ba sekole sa bone ba tswa mo sekoleng ba le bantsi mme go sa itsiwegore ba tswela eng. A re kwa pheletsong baithuti bangwe ba ba neng ba gaisitseba ne ba atswiwa ka P400 ke ba Hutchesons Grammah School. A re dipatlisiso tseo ga di afelela mo phefong ka baithuti ba ne ba kgona go bua le ba ba neng ba dule mosekoleng ba ba ruta ka botlhokwa jwa go tsena sekole. A re mo nakong yagompieno go tlogela sekole ga baithuti mo sekoleng sa gagwe go wetse tlase felathata. O tsweletse a re e ne ya rebosheng sekole sa Hutchesons Grammah sa itlama go duelela baithutibangwe ba le batlhano sekole le go ba rekela kapari ya sekole a bolela fatshwetso eo ba e galaletsa fela thata. Mme Kedidimetse a re moithutimongwe go tswa kwa Hutchesons Grammah School o ne a etela baithuti ba sekole sagagwe go bua le bone le go ba fa thotloetso. Rre Clarke o ne a bolela fakwa lefatsheng la gabone ba dumela fa thuto e le yone mmangmang ka motho a nnale lesedi ebile a felela a bona tiro e a ka e berekang a direla le setshaba sagagabo. O ne a rotloetsa baithuti goitirela dipatlisiso le go ipatlela tse ba di tlhokang ba dirisa maranyane asegompieno. A re seo se ka kgona go rotloetsa maduo a sekole sa bone.Rre Clarke o ne a abelasekole seo kopi e a neng a bolela fa e le ya botsala mme e tlaa dira gorebotsala jwa dikole tse pedi tseo bo nitame. A re kopi eo e ne e dirisiwa thatake ba bogosi bogologolo fa ba etetse bomorwarraabone mme ba a nwa se ba senwang ba e fapaanela. Rre Clarke o tsere malatsi a le mane a etetse sekole sesegolwane sa Lerala. E ne e rile go le pelemogokgo wa sekole se segolwane sa Lerala Rre Frank Mahulela a bolela fa a na letshepho e ntsi ya gore popagano ya sekole sa gagwe le sa Hutchesons GrammahSchool e tlaa tswelela e gola ebile e tlaa tlhabolola sekole sa gagwe. O ne a bolela fa a itumeletse loeto lwa ga Rre Clarke ka annile le bokopano le ene mme ba kgonne go bona gore ba ka tsamaisa jangpopagano ya bone. education 4 Mapodisi a tlhotlhomisa tiragalo ya polao Mapodisi a Shoshong a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa kgotla ya Bokaa kwa Shoshong a hudileng a ba a bolaya mosadi mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le motso ka tlhobolo ya 3006 gaufi le masimo a Tobela. Motshwarelela mogolwane wa mapodisi a Mahalapye, Superintendent Olefile Badisang a re tiragalo e, e diragetse ka Mosupologo wa beke eno gaufi le motse wa Tobela. A re monna yoo wa dingwaga tse di masome a mane o ne a bolaya mosadi yoo fa pele ga ngwana wa gagwe wa dingwaga tse some, mme morago a ikgapela botshelo ka go ikaletsa mo setlharing sa morula. Le fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile kgotlhang fa gare ga batho bao, ba go bolelwang e kile ya nna baratani, menahune e e tlhomamisegang e bolela fa mosadi yoo a tlholega kwa Gojwane kwa kgaolong ya Serowe bokone. Superintendent Badisang o tlhalositse fa direpa tsa batho bao ka bobedi di beilwe mo setsidifatsing sa kokelo ya Mahalpye go tlhatlhobiwa ke dingaka fa maina a bone a santse a lobilwe go fitlhelela ba masika ba itsisiwe. Kwa Sefhare, Superintendent Badisang o bolela fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng setopo se sena leoto fa se goroga kwa mmoshareng wa Roscla kwa Sefhare se tswa go tsewa kwa mmoshareng wa Lyns mo Mahalapye kgwedi e e fetileng e le masome a mabedi le borobabongwe. A re e le mapodisi ba begetswe tiragalo eo ke badiri ba mmoshara wa Roscla gammogo le ba lelwapa la moswi ba ba neng ba hakgamatswa ke go bona moswi a sena leoto ntswa a isitswe kwa mmoshareng a na le maoto otlhe. Superintendent Badisang o tlhaloseditse ba lekalana la dikgang mo potsolotsong fa ditlhotlhomiso tsa bone di supa fa moswi a lokolotswe leoto la moja mo lengoleng. Mapodisi a tsweletse ka dithothomiso. crime_law_and_justice 1 Ba rotloediwa go dirisa lenaneo Ba lephata la thuto ba rotloeditswe go anamisa lenaneo la tiriso ya metsi a leswe la Grey Water mo dikoleng ka le ka ba thusa go somarela metsi. Se, se builwe ke mothusa mokwaledi wa lephata la meepo, kgothetso le metsi, Rre Macheng Macheng fa a ne a rolela ba lephata la thuto mmogo le sekole sa Motsumi JSS lenaneo la tiriso ya metsi a leswe la Grey Water kwa Letlhakane ka Labone (18/09/2014). Rre Macheng a re ba tshwengwa ke tlhaelo ya metsi mo lefatsheng leno ka ntata ya dipula tse di boutsana. Le fa go ntse jalo, a re tshenyo ya metsi e kwa godimo thata mo dikoleng le mo makalaneng a mangwe, a tlatsa ka gore Botswana jaaka lefatshe le le tlhabologang le tlhokana le metsi a mantsi go dira ditlhabololo. O supile fa lenaneo la Grey Water la sekole se segolwane sa Motsumi le weditswe ka ngwaga wa 2011, e le tsela nngwe ya go fokotsa tiriso e ntsi ya metsi a a phepa. Rre Macheng a re gore ba kgone go ntsha metsi a a lekaneng go tlhoka gore ba lephata la metsi ba eme ka dinao, mmogo le kemo nokeng ya bana le seabe botlhe le setshaba ka kakaretso, a tlatsa ka gore selekanyo sa metsi a tlhokegang ke 221millon cubic metres ka ngwaga, se go solofetsweng gore se ye ko godimo ka 225million cubic meters ka ngwaga wa 2016. O ne a rotloetsa dikole tse dingwe go tsaya malebela mo lenaneong la sekole sa Motsumi la Grey Water, le ka lone ba ka fokotsang madi madi a ba dirisang go duela metsi mo dikoleng. Rre Macheng a re ga ba a dira lenaneo la tlhatso ya metsi a leswe fela mo sekoleng se segolwane sa Motsumi, mme ba dirile le lenaneo la go somarela metsi a pula kwa sekoleng sa Our Lady kwa Fracistown, Shoshong le kwa lephateng la Water affairs kwa Gaborone le mo mafelong a mangwe. A re lephata la thuto le tlhabololo dikitso jaaka badirisi ba metsi, ke bana-le-seabe ba ba botlhokwa ka jaana ba ka atolosa kitso ya tiriso ya metsi le tshomarelo mo baneng ba sa ntse bale bannye, ka jaana e le bone bokamoso jwa lefatshe leno. E rile a tswa la gagwe mogolwane mo lephateng la thuto Mme Neo Morolong a supa fa lenaneo la Grey Water la Motsumi le lekeleditswe jaanong le tshwanetse go tshepiwa ka le ntsha maduo fa e sale le simolodisiwa ka ngwaga wa 2011. Mme Morolong a re metsi a a dirisiwang mo lenaneong le ke metsi a a tswang kwa matlong a botlhapelo kwa matlong a bana a borobalo, a tlatsa ka gore ba batla go tsena mo legatong le lengwe la gore metsi a a kgone go dirisiwa go tlhapa gape. A re ba ikaelela go atolosetsa lenaneo le kwa dikoleng tse dingwe bogolo jang tse baithuti ba nnang mo go tsone ka jaana ba lemogile gore lenaneo la teng le ka thusa go somarela metsi. Mme Morolong a re nako e tsile ya gore setshaba se amogele tiriso ya metsi a leswe, a kopa ba sekole sa Motsumi go dirisa lenaneo le gore ba tle ba bone maduo a lone le pharologanyo e le e dirang. BOKHUTLO health 6 Khama o direla bana Tautona wa lefatshe leno, Lt Gen Seretse Khama Ian Khama e rile ka Labotlhano, Tlhakole a tlhola masome a mabedi le bongwe a bo a eteletse badiri ba lephata la gwagwe pele go direla bana ba legae la SOS Children’s Village kwa Tlokweng. Se, ene ele bontlha bongwe jwa maitlamo a Tautona a a thaileng a gore badirelapuso ba seegele fa thoko letsatsi le lengwe mo kgweding mme ba direle sechaba.Tautona Khama yo o neng a jwala tshingwana ya merogo le go lema ditlhare, o ne a patilwe ke mothusi wa gagwe Dr Ponatshego Kedikilwe, matona a puso mangwe, ba bogosi jwa Batlokwa le badirela puso ba ofisi ya gagwe. Fa a bua kwa tshimolodisong tiro ya letsatsi leo, Tona wa Ofisi ya ga Tautona le Bodirelapuso, Rre Mokgweetsi Masisi o ne a tlhalosa fa letsatsi le, le tsepamisa maikaelelo a tautona a a theileng. “Maikaelelo a letsatsi le a tsepame ebile ga a mantsi, ke gore jaaka Tautona Khama a simolotse a rotloetsa gore go abelanwe, go dirisangwe, go direlanwe, o tsile go supa seo ka sebele e le ene a re eteletseng pele re le ba ofisisi ya gagwe,” ga bua Rre Masisi. Erile go tlaleletsa moono wa letsati leo, Tautona Khama yo e leng morotloetsi mogolo wa Sponsor A Child Trust, a abela ba SOS madi a a kanang ka P50.000.Makgotla a mangwe a neng a abelwa madi ao gape ke a Masiela Trust, Kamogelo Orphans and Vulnerable Children, Childline, Stepping Stone le Bana ba metsi. Modulasetilo wa Sponsor a Child Trust Mme Dorcus Makgato-Malesu o ne a tlhalosa fa bone go tshwanela go tshwaragana le ba Ofisi ya ga Tautona ka letsatsi le, mme ba abele makgotla madi, a tlatsa ka gore lekgotla le le thailwe ke Tautona.A re ele ba Sponsor A Child Trust, ba kgobokanya madi go thusa bana ba ba tlhokileng lesego. Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa SOS Rre Motshwari Kitso o ne a supa fa ba itumeletse ba Ofisi ya ga Tautona, a re ke lekgetho la labobedi ba tla go ba direla.Rre Kitso a re ba tlhokometse bana ba le 257 kwa mafelong a Tlokweng, Serowe le Francistown. A re fa esale legae le la bana le bulwa ka 1987, ba setse ba alositse bana ba feta makgolo a mane.A re bontsi jwa bana bao, ba kgonne go aga sentle mo sechabeng , mme gape o ne a ka ya fa ele bonye fela jwa bana bao jo bo sa direng sentle morago ga go alosiwa. Rre Kitso a re tshingwana ya merogo e ba thusa thata mo go fokotseng ditshenyegelo tsa madi a ba a dirisnag, ka e fepa bana.O ne gape a tlhalosa fa ntse ba bona dithuso gotswa kwa mafatsheng a sele, mme ba setse ba tlhagisitswe gore etlare mo nakong e seng kgakala thuso tse ba di bonang tsa madi di emisiwe. Rre Kitso a re sese se ba tsenya tsebetsebe fa ba lebile gore ba tlhoka madi a a ka tshwarang P18 million ka ngwaga, mme a kopa sechaba go ba tswa mokgosi.A re ga ba tlhoke madi fela, mme ba tlhoka le yone kitso e e tswang mo sechabeng, a tlatsa ka gore puso e tswa kgakala e ba eme nokeng ka dithuso tse di farologanyeng, selo se ba se lebogelang. BOKHUTLO society 9 Baithuti ba 1988 ba abela baithuti Baithuti ba pele ba sekole se segolwane sa Makome ba ba feditseng ka 1988 ba ne ba abela basetsana ba sekole seo ba le 245 di dirisiwa tsa go tlhapa le mesangwana. E rile a amogela batsena moletlo, mothusa mogokgo wa Makome, Mme Dorophy Marema a tlhalosa fa sekolo seo se sa dire sentle mo dithutong. Mme Marema a re se se ka tswa se dirwa ke mabaka a le mantsi a tshwana le go tlhoka tirisano mmogo ya batsadi le barutabana, ka bontsi jwa batsadi ba nna kwa merakeng mme ba sa kgone go kopanela thuto fa ba bilediwa bokopano kwa sekoleng. O ne a supa fa ba lebanwe ke letlhoko la dibuka le motshhine o o ntsifatsang dipampiri tsa ditlhatlhobo mo ba patelesegang gore ka nako dingwe ba tlosolose nako ya go kwala ditlhatlhobo ka go sena kwa ba ka bonang thuso teng. O ne a supa fa kgwetlho e nngwe e e dirang gore sekole se bo se sa dire sentle e le go tlhoka go tsena sekole sentle ga baithuti bangwe. Fa a tlhalosa maikaelelo a bone, Rre Goleba Kgari yo e leng modulasetilo wa Class of 1988, o ne a supa fa se e le tshimologo ya tse dikgolo, ka maitlamo a bone e le go bereka mmogo le ba-na-le seabe ba Mmadinare gore sekole se kgone go ntsha maduo. Rre Kgari o ne a supa fa ba ikgaogantse ka dithophana tse e tlaa reng morago ga dibeke tse pedi dingwe le dingwe, ba bo ba ka boela kwa sekoleng sa Makome go ya go neela bana lefoko la kgothatso le go ba rotloetsa go bereka ka natla gore ba kgone tse ba di batlang mo botshelong. O ne a kgothatsa bana ba Makome go inaakanya le Modimo ka seo se ka dira gore ba nne le poifo mo go direng tse di duleng mo tseleng. Leloko la SPEDU, Rre Motlamorago Gaseitsiwe o ne a galaletsa baithuti ba Class of 1988 go bo ba bone go le botlhokwa go thusa bana ba sekole ka go le thata mo batsading bangwe go ka rekela bana didirisiwa tsa go nna jaana. Rre Gaseitsiwe o ne a supa fa barutabana ba dira tiro e ntle ya go bopa bana gore e tsoge e le batho ba boleng, mme ba tlhoka kemonokeng ya batsadi le setshaba ka kakaretso. O ne a kgothatsa bana go ikgapha mo ditirong tsa marato ka di sena maduo a mantle. Kwa bofelong, mookamedi wa thuto go tswa kwa moding mo kgaolong ya Bobirwa, Rre Moses Tshetlhana o ne a supa fa puso e lemoga e bile e lebogela seabe se se dirwang ke Batswana le dikompone tse di ikemetseng go thusana le yone mo go godiseng serodumo sa thuto. education 4 Banana ba Phikwe ba tlaa tshwara moletlo wa ngwao Banana ba mokgatlho wa Arts Rains Culture House ba rulagantse moletlo wa ngwao o maikaelelo a one e leng go tsosolosa itsholelo le ngwao mo Selebi Phikwe ga mmogo le kgaolo yotlhe ya SPEDU. Se se builwe ke mogokaganyi wa ditiro tsa mokgatlho oo, Rre Tshepho Tsela mo potsolotsong le BOPA. Rre Tsela o tlhalositse fa moletlo o ba o biditseng ‘Ko Chomeleng Culture Festival’ o tlaa tshwarelwa kwa mabaleng a ditshupo a Selebi Phikwe ka setlhogo se se reng ‘Ka Ngwao Re ka Tsoga’. O boletse fa moletlo oo, o tlaa tshwarwa kgwedi eno e le masome mabedi le boferabobedi. A re kapari, dijo, metshameko le mmino ya Setswana ke tse di tlaa natefisang gore moletlo o seka wa tlhola o lebalesega mo toropong ya Selebi Phikwe. Rre Tsela a re maikaelelo a bone ke go ribololela banni ba Selebi Phikwe moletlo oo, o ba ikaelelang go nna ba o rulaganya ngwaga le ngwaga. O tlhalositse fa ba laleditse bagolwane ba lephata la banana go tla go bula moletlo oo semmuso. Rre Tsela a re go tlhoka barotloetsi ba ba thusang ka madi mo thulaganyong ya moletlo oo, ke nngwe ya dikgwetlho tse ba kopanang le tsone. Le fa go ntse jalo, Rre Tsela o boletse fa khansele ya Selebi Phikwe le lekgotla la SPEDU di tshwaragane le bone mo go rulaganyeng moletlo oo. O kopile dikompone le batho ka bongwe ka bongwe ba ba eletsang go ba thusa go rulaganya moletlo oo gore ba ikgolaganye le bone ka maikaelelo magolo a bone e le go thusa go tsosolosa itsholelo ya toropo ya bone ka maitiso a ngwao. A re moletlo o, o tlaa tsenwa ke ditlhopha tsa mmino wa Setswana mo Selebi Phikwe le tikologo ga mmogo le tse di tswang kwa ntle. O boletse fa gape ba tlaa dirisa moletlo oo go fa banana ba Selebi Phikwe sebaka sa go supa ditalente tsa bone ga mmogo le go ba ntsha mo mebileng mo ba ka felelang ba amilwe ke tiriso botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Batlhophi o tshwenngwa ke 
thekiso ya lefatshe Modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng, Mokhanselara Thomas Batlhophi, o kopile banni ba kgaolo eo go emisa go rekisa ditsha tse ba di abetsweng ke lekgotla la kabo ditsha ka jaana lefatshe le tlhaela. E rile a buisa phuthego kwaDutlwe bosheng, Rre Batlhophi a supa fa a sa jesiwe diwelang kethekiso ya lefatshe mo kgaolong eo. O kgadile seo fela thata a re ga se A re mo nakong eno, puso esetse e tlhagisitse Batswana ka tlhaelo ya lefatshe mme go a makatsa go bonabangwe bone ba tsweletse ka go le rekisa ntswa ba ka kgona go le dirisa goikapola kgwetlho ya lehuma. A re go a tshwenya gore e re motho a kile a abelwa setshake lekgotla la kabo ditsha, a bo mo bogompienong a sena fa a latsang tlhogoteng ka ntlha ya gore o rekisitse setsha sa gagwe, mme a kaela botlhe ba badirang jalo gore ba tla lelela kgama le mogogoro mo isagong. Rre Batlhophi o rotloeditsesetshaba go tsaya lefatshe ka tlhwaafalo le go tlhaloganya fa e le boswa ebilemotho a ka beeletsa mo go lone go direla bana ba gagwe bokamoso. O gakolotsebotlhe go loga methale ya itshetso ka go hirisa lefatshe gore ba bone letsenola madi go na le go le rekisa. Go ntse go le foo, RreBatlhophi o ne a supa fa a tshwenngwa ke go sa tlhabololwa ga ditsha, mme agwetlha banni bao go ikopela mananeo a tshwana le la SHHA go ikagela matlo, akaya fa lenaneo le, le le molemo fela thata ka jaana moikopedi a sa lopiwemorokotso. Mo go tse dingwe,modulasetilo o ne gape a gwetllha Batswana segolo jang banana go tlhabololaditsha tsa bone tsa masimo gore ba kgone ba akole mananeo a tshwana le la politics 7 Ba batla Tautona a ba etela Banni ba metse ya Mokungwane, Matlhakola le Maape mo kgaolong ya Tswapong ba kopile Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama go etela metse ya bone. Ba ne ba bua jalo kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke Mothusa Tona wa Ofisi ya ga Tautona le bodirelapuso, Rre Philip Makgalemele, bosheng. Banni ba re ba nyoretswe goreTautona a ba lekole mo metseng ya bone a bo a ba fa dimpho. Ba re ba tshela ba mmona kana ba utlwa fa a etetse metse e mengwe ka jalo o tshwanetse a ba lekole a tle a utlwe matshwenyego a bone. Ba ne ba kopa Rre Makgalemele go ba kopela Tautona go ba lekola. Mo go tse dingwe banni ba ne ba bolela fa ba ne ba lemile mme ba sadile ba itshophere fela ka temo ya bone e sa atlega. Ba re bothata jo ba neng ba bo itemogela ke letlhoko la digogi, letsatsi le lentsi, pula e e boutsana le go tlhoka go lemelwa sentle ke bo raditerekere. Kgosi Sekolomane Mothobi wa Matlhakola o ne a ikuela mo pusong go bona gore balemi ba thusiwa jang ka ba ne ba lemile mme ba sa tswa ka sepe. A re ba tsile go bolawa ke tlala. O ne a kopa gore puso e sekaseke gore a motse wa bone o ka seke o nne le molemisi ka ba thusiwa ke molemisi wa motse wa Lecheng mme go tsaya nako gore a ba thuse. Kgosi Mothobi o tsweletse a re puso e kgaratlhela Batswana ka mananeo a a farologaneng mme fa go tla nako ya gore a isiwe kwa go bone e nna bothata. A re go na le bangwe ba ba saleng ba isitswe dithutong tsa nyeletso lehumo mme ba ise ba simolole mananeo a go itshetsa. Fa a tsibogela dikakgelo tsa bone, Rre Makgalemele o ne a bolela fa puso e itemogetse fa Batswana ba amilwe ke leuba ntateng ya dijwalo tse di neng tsa lengwa mme pula ya nna boutsana. Ka jalo a re puso e dira ditshekatsheko tsa go bona gore Batswana ba ka thusiwa jang ka ba sa bona thobo e e nametsang fa bangwe ba sa bona thobo gotlhelele. O ne a gakolola balemi go sekaseka gore a ba ka seke ba leme palo ya ditema tse di lekanetseng ba lema ka ditselana gore ba kgone go di tlhokomela sentle go na le go lema ditema di le dintsi go bo go nna dingalo go di tlhokomela. A re banni ba tshwanelwa ke go sekaseka ditshono tsa dikgwebo di tshwana le go rekisetsa ba ba thusiwang ka dihutshane ka lenaneo la nyeletso lehuma. A re thuo ya dihutshane e na le ditshono tse dintsi ka go na le letlhoko le lentsi la dihutshane. Rre Makgalemele o ne a re go tla a fefosiwa dithuso tsa ba ba thusiwang ka mananeo a nyeletso lehuma ka go ne ga lemogiwa fa go nnile le tiego mo go neeleng ba ba tshwanetseng mananeo. society 9 UDC ya re ba tlaa tlhama ditiro Moeteledipele wa Umbrella for Democratic Change (UDC) Rre Duma Boko a re fa ba tsaya puso ba ya go tlhama ditiro di le 100 000 mo ngwageng. Rre Boko o buile jalo kwa phuthegong ya phatlalatsa e e neng e tshwerwe mo Letlhakane ka Matlhatso, a tlhalosa gore ba ya go sekaseka seelo sa botshelo ba bo ba dira dikamogelo ka sone. Rre Boko a re seelo ba ya go se dira ba lebeletse seemo sa dijo tse di tlalang mmanki motho a apara sentle, madi a boroko, motlakase, metsi, dijo le sepalamo ba bo ba soboka. A re madi a dikamogelo a a kwa tlase a bone a ya go nna P3 000. A re kgaolo ya Boteti e dikologilwe ke meepo mme e saletse kwa morago mo ditlhabololong, a tlhalosa gore kokelo ya Letlhakane gammogo le diofisi tsa sepodisi di pitlagane. O boletse gape gore go santse go na le tlhaelo ya matlwana a borutelo, a tlatsa ka go re dituelo tsa lenaneo la Ipelegeng di kwa tlase e bile babereki ga ba fiwe didirisiwa tsa itshireletso. Rre Boko a re kgaolo ya Boteti e ka bo e fiwa madi a meepo a a bidiwang royalties, a tlhalosa gore ke madi a a fiwang kgaolo ke ba meepo e e mo kgaolong eo gore go dirwe ditlhabololo. A re batlhophi ba kgaolo e ke bone ba ka rarabololang seemo ka go fetola puso ka 2019. Mothusa moeteledipele wa UDC, Rre Dumelang Saleshando a re kgaolo ya Boteti e saletse morago mo ditlhabololong. Rre Saleshando a re puso e paletswe ke go tlhabolola kgaolo ya Boteti le matshelo a banni ba yone ntswa e le boremelo jwa meepo ya diteemane. Rre Saleshando a re ba tlaa tsisa moitseanape yo o tlaa supang gore ba ya go tlhama ditiro ka tsela e e ntseng jang. A re toro ya gagwe ke go bona lefatshe la Botswana le fetogile, thuto e tokafetse, bana ba bereka. Mme Rodah Sekgororoane o ne a kopa bakaulengwe ba gagwe gore ba seka ba ipona tsapa ka bokopano jo jwa diphathi tsa kganetso. Mme Sekgororoane a re batho ba le bantsi ba kgonne ka jone ka go ne go le thata. O ne a tshwantshanya bokopano jo le motsetse a re bo tshwanetse jwa ilelwa. A re nako e ga se ya maemo ke ya go tlhoafalela maikaelelo a bone, a tlatsa ka go re maemo ba tlaa a bona fa ba setse ba gorogile. Mme Sekgororoane a re ba dibele bokopano jo gore bo tle bo nne le maduo. E rile a amogela ba-tsaya karolo kwa phuthegong, mokhanselara wa pele wa Orapa, Rre Chilume Balopi a re meepo ya Boteti e oketsegile jaanong e metlhano. Rre Balopi a re se se dira koketsego ya batho mme bontsi e le batswakwa ba ba tsereng ditiro tse di ka bong di dirwa ke bana ba kgaolo eo. A re bana ba tsenye dikole mme ba gobeya mo mekgwatheng ga ba bone ditiro bangwe ba tlhola kwa diofising tsa lephata la pereko ba emetse ditiro tsa nakwana. Rre Balopi a re lehuma le kwa godimo mo kgaolong ya Boteti, a tlhalosa gore Letlhakane o lefifi gape kwa kokelong balwetse ba kopanela phaposi ya borobalo mme e le ba bong jo bo sa tshwaneng. politics 7 Mopalamente Arone o akgola barutabana Mopalamente wa Okavango Rre Bagalatia Arone o akgotse bagwebi ba kgaolo eo go bo ba tsweletse ka go tsenya letsogo mo ditirong tsa morafe. A re bontsi jwa ditiro tse di dirwang mo kgaolong di supa fa seabe sa bone se bonala, e bile go supagala fa tota ba lemoga fa banni ba aparetswe ke lehuma. Mopalamente o buile jalo jaaka barutabana ba sekole se sebotlana sa Mohembo ba ne ba abela lelwapa la moithuti wa sekole seo ntlo ya dikamore tse pedi mme ba tlhalosa fa ba kgonne go fitlhelela maikaelelo a bone ka thotloetso ya bagwebi, morafe le bodiredi jwa puso le makalana a a ikemetseng. Rre Arone o ne a leboga le bone barutabana go bo ba supile mowa wa kutlwelobotlhoko mo go ba goora Semobonde. Moetedipele wa tiro eo, Mme Pauline Sehuhula, yo eleng mongwe wa barutabana ba sekole sa Mohembo, o supile fa ba dirile tiro eo ka mowa wa lorato. A re e re le ntswa tiro ya morutabana e le go fa ngwana thuto, ba tshwenyega gape ka botsogo le kgodiso ya bana kwa malwapeng ka ba lemoga fa bangwe ba baithuti ba na le letlhoko mo dilong di le dintsi tsa botshelo. O ne a bua jalo a fa sekai ka ene moithuti yo, o a kaileng fa a ne a sa tsene sekole sentle, e bile nako tse a itherolotseng go tla, a tla sekolong ka paka e e leswe. A re ba ne ba ipha matsapa go etela ba lelwapa go sekaseka seemo. Mme Sehuhula a re go gorogeng koo ba fitlhetse seemo se se ngomola pelo ka ba lelwapa leo ba ne ba sena le fa ba latsang tlhogo teng, le fa e le tsone dijo. A re moithuti o ne a supa fa ba tshelela mo tshotlegong le letlhoko le le maswe ka jaana a bona sefitlholo fela kwa sekoleng; seo se dire gore nako dingwe a kope boroko kwa ditsaleng. Barutabana ba ne ba thulanya ditlhogo mme ba dumalana ka bongwefela jwa pelo go kopa setsha kwa go ba kabo ditsha mme ba atlega; ke ka jalo ba feletseng ba aga ntlo eo. Tona a re mo malobeng morafe o ne o itse gore matlo go sha mabapi e bile mabogo dinku a thebena, ka jalo a gwetlha Batswana ka kakaretso go itsaya motlhala le gone go busetsa mowa wa boipelego le letsema. Rre Molefhi a re morafe o ka ipopa segongwana mme wa simolodisa motshelo go tsholetsana fa ba tlhaelang teng. O ne a gwetlha batsadi go tshwaraganela thuto ya bana ba bone le barutabana, a tlatsa ka gore seo se ka thusa gape go nonotsha botsalano jwa bone mo motseng. A re go itumedisa go bona ba lemoga botlhokwa jwa go tsenya letsogo fa puso e tlhaelang teng ka jaana puso le yone e aparetswe ke letlhoko la madi. Mogolwane mo lephateng la thuto mo kgaolong ya Ngamiland, Rre Acronews Maseko, o ne a gwetlha dikole tse dingwe go tsaya malebela, a re ke selo se sentle se barutabana ba Mohembo ba se direleng le ntswa ba felela fela mo seatleng ka palo. A re ba supile fa ba lemoga fa puso e tshwere ka thata, mme ka jalo ba ikana go diragatsa moono wa ga tautoana wa go fa Batswana ba ba tlhokang seriti, ka go ba agela fa ba ka latsang tlhogo teng. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Boitshwaro jwa banana ga bo jese kgosi diwelang Mothusa kgosi wa Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng a re o tshwenngwa ke boitsholo jo bo maswe jwa banana bangwe ba motse oo. Mo potsolotsong le O kgadile a sa kgwe mathe banana ba a reng ba kgokgontsha batsadi ka dipuo tse di botlha le go ba amoga ditsabone, selo se a kaileng e le matlhabisa ditlhong. A re le fa lefatshe le go tshelelwang mo go lone e le la diphetogo, batsadi le bagolo ka kakaretso ba tshwanetse go ela tlhoko ditsela tse ba godisang bana ka tsone, a supa fa e le tsone tse di ba ntshang mo tseleng ya tshiamo. Kgosi Puleng a re batsadi ba tshwanetse go lemoga gore bana ba segompieno ba tshelela mo lefatsheng le sengwe le sengwe se ikaegileng ka madi, mme seemo se, se dira gore ba dire sengwe le sengwe se ba ka se kgonang go nna le madi le mororo ditsela dingwe e se tse di siameng. A re bana ba malatsi a ba tlhalefetse tsa maranyane mme ba kgona go a dirisa go tsietsa bagolo ba ba sa a tlhaloganyeng. Kgosi Puleng o boletse fa go le botlhokwa go godisetsa bana mo molaong, segolo bogolo wa Setswana. A re fa ngwana a palela batsadi kwa lwapeng, ba ka ikuela mo go bomalomaagwe mme kgabagare ba ikuele mo lekgotleng la Setswana. Le fa go ntse jalo, Kgosi Puleng o supile fa ditsamaiso tse dingwe tse di akaretsang ba boipelego, mapodisi le baeteledipele ba morafe di le teng go ka lwantsha botlhoka tsebe jwa bana. Kgosi Puleng o ne a digela ka go ikuela mo bananeng ba motse go inaakanya le dikomiti tsa ditlhabololo le go tsenya letsogo mo kgodisong ya bana ba ba tswang kwa tlase gore tshaba e e tlang e nne e e nang le boikarabelo. BOKHUTLO society 9 Kgotlelesego ya tikologo e borai Kgosana Otsile Ketshotseng wa kgotla ya Maenjani mo motseng wa Tutume, o buile a sa kgale mathe ka matlakala aa kgotletseng motse oo, a remeletse thata mo kgotleng ya gagwe. O buile seo mo potsolosong le ba motswedi wa dikgang wa BOPA. A re leswe le le tikologong eo le ngomola pelo. Kgosi Ketshotseng o supile diemo ditswana le metseto ya bana e e latlhiwang, mantle a dintsa le mesangwana ya bomme. A re matlakala latlhelwa gongwe le gongwe, o tswelela ka gore seemo se bifisa tikologo morago ga moo se fetole tebego ya motse mme gape go kgotlele le phefo ka nako tse dingwe. Kgosi o tlhalositsegore ga seemo se sa emelwe ka dinao se tla tsisa ditlamorago tse di tla tsenyang batho, diphologolo le dimela mo diphatseng.One a bua ka tshakgalo mabapi le palo e e tsitsibanyang mmele ya dintsa tse di sailing mo mebileng ya motse di sena beng. Kgosi o tlhalositse fa dintsa tse di ithomela gongwe le gongwe, a re ntleng le moo dintsa tse di apesitse banni kobo ka letshoba ka di ganyaola leruo. A re kana ntsa jaaka seruiwa sengwe le sengwe di nale mosola mo setshabeng mme di tshwanetse go tlhokomelesega. Kgosi o kaile fa dintsa tse di dira tiro e ngomolang pelo ka mabaka a gore ga ditlhokomelesege gape ga dina sepe se di ka itshetsang ka sone. A re mme bontsi jwa dintsa tse ga di a kentelwa malwetsi a dintsa jaaka molafo. O tswelela ka gore mo segompienong malwetsi a mantis gape a bakwa ke dilo tse dintsi, a re o kopa banni go nna majato ga go tsena mo tlhakoreng ya tsa botsogo jwa bone le bana gore ba kgone ba atlege jaaka setshaba se se kgathalang gape se tlhokomela bangwe ka bone. Fa a motswa kgaba Kgosi Brown Tshosa wa kgotla ya Marupe teng mo motseng wa Tutume one a lela sa masisa pelo ka borukuthli jo bo robatseng banni ba motse wa Tutume. Kgosi Tshosa a re balemi le barui ba setse ba tshaba go ya go lekola leruo le masimo a bone k aba begile fa go nale dirukutlhi tse di ba emalng mo tseleng go ba thukutha, morago ba tseye dilwana tsa bone. A re mo dikgetsing dile mmalwa ba itemogetse gore tore tse di duleng mo tseleng tse di dirwa ke batswakwa. Kgosi ar re morafe o tlhalositse fa dirukutlhe tse ka bontsi jwa nako di nna di ipapanne ka dibetsa tse di borai. A re banni ba tlhalositse fa ba setse ba boifela matshelo a bone. Kgosi a re ntleng le moo bana ba tswa batsadi diatleng ba alolane le diritibatse le dinotage. A re o sebete se molangwana ka menate le medumo e e mentsi e ban aba e ratang, mme ditlamorago e nne tse di swabisang. O tlhalositse fa banana ba iphitlhela ba le mo mathateng ka ntlha ya metsamao e mesesanyane. A re banana ba se gompieno ba tlotlile go metsa bas a tlhafuna mme e re ba betwa batsadi e nne bone ba amegang. One a gatelela gore se ga se yone tsela ya go baakanyetsa isago. Go sale foo one a bua gape a sa kgale mathe ka majalwa aa direlwang mo malapeng go sena tetla go tswa ko go ba puso. Kgosi Tshosa a re majalwq aa baka ditlamorag tse di sa kgatlheng. O kaile ditiragalo di tswana le dintwa tse di masisi, go tlogela melemo ga bao ba tshelang ka melemo. A re majalwa aa itirelwang mo malwapeng a diphatsa mo go senang kutlwelo botlhoko ka e bile bangwe ba nwela fela mo tlaleng. One a re tse di dirwa ntleng le kitso y aba molao, gape bao ba ba mabapi bas a tsibose ba molao. Kgosi one a re o kopa setshaba go nna le lorato magareng ga bone ele morafe, a re se seka nonofisa setshaba. A re naga e senag bokhudu-tlou bo mmalobeto ba ipha naga. environment 5 Mopalamente o lebogela boitshwaro Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefhe, o akgoletse Batswana ba diphathi tse di farologaneng tsa sepolotiki go itshwara ka maitseo a a siamaneg le go tlhopha ka dipalo tse dintsi mo ditlhophong tsa Setshaba tse di neng di tshwerwe ka kgwedi ya Phalane ngogola. Rre Molefhe yo o tsweletseng ka go tshwara diphuthego tsa kgotla mo kgaolong ya gagwe ,o tlhalositse fa Batswana ba dirisitse tshwanelo ya bone ya go itlhophela mapalamente le makhanselara a a nang le boleng ja go emela dikeletso tsa bone kwa diphuthegong tsa palamente le dikhansele,mme e bile a bolela fa se Batswana ba se dirileng mo ditlhophong tse di fetileng se supile tsamaiso ya puso ya batho ka batho e e meletswang mathe ke mafatshe a mangwe segolo jang a mo Borwa jwa Aferika. A re e re ka ditlhopho di fetile go mo maruding a Batswana go sa kgathalasege gore ke ba diphathi dife tsa sepolotiki go tshwaraganela go tsamaisa ditlhabololo tsa lefatshe la Botswana mmogo. Rre Molefhe o tsweletse ka go tlhalosetsa banni ba kgotla ya Herero fa mmuso o seegetse fa tlhoko mogopolo o o neng wa bewa Palamente pele wa gore diteme tsa batho ba lefatshe leno di dirisiwe mo seromamoweng sa Botswana le kgang e e neng e batla go itse gore ke ka goreng bolwetse jwa tlhako le molomo bo tsweletse ka go jwelelela le mororo bo kentelwa ngwaga le ngwaga ke lephata la mathoko a leruo. A re e le mopalamente wa kgaolo, makhanselara, dikgosi le baeteledipele ba maphata jaaka molaodi le mokwaledi wa khansele ba tlaa tshwanelwa ke go thulanya ditlhogo go buisana ka seemo sa ditsela tsa Mahalapye, phatlalatso ya metsi mo dikgotlaneng tsa Mowana, Parwe, Ngakaagae, Madiba le Flowertown gammogo le go tsenngwa ga motlakase mo mekgwatheng. E rile banni ba Herero ba akgela mo phuthegong eo ba ngongorega ka badiri ba lephata la boipelego ba go bolelwang ba gana go amogela maina a batlhoki ba ba supilweng ke maloko a komiti ya ditlhabololo le mororo batho bao go sena se ba itshetsang ka sone. Mabapi le go tlhoka go tlhabolola ditsha tse ba di abetsweng ke ba lekgotlana la kabo-ditsha, ba tlhalositse fa mathata a bone a bakwa ke go tlhoka tirisanyo mmogo ga lekgotla la kabo-ditsha le ba koporase ya metsi ya Botswana Water Utilities ka jaana ba kabo-ditsha ba ba abela ditsha tse ba Water Utilities ba bolelang fa di se mo mmepeng wa ditoga maano. BOKHUTLO politics 7 MVA e thusa ba-na-le bogole Lekalana la Motor Vehicle Accident Fund (MVA) le tshwere ka natla go bona gore ditshwanelo tsa ba-na-le bogole jo bo bakilweng ke dikotsi tsa tsela ga di gatakiwe ka dinao. Se se tlhalositswe ke mogolwane wa lekalana leo, Rre John Bonga, kwa letsatsing la mafatshe fatshe la ba-na- le bogole kwa Palapye bosheng a supa fa le bone ba na le seabe mo go netefatseng gore ba-na- le bogole fela jaaka Motswana mongwe le mongwe ba bona thuso. Rre Bonga a re ke boikarabelo ja ba bongaka, mohiri le mohiriwa go tshwaraganela botsogo ja yo o thusiwang, a re bone ele ba MVA ke babueledi ba mohiriwa gore a o direlwa sentle ke mohiri morago ga go nna le bogole jo bo bakilweng ke kotsi ya tsela, metshine mo tirong kana a golafaletse mo tirong ka ditsela tse di farologaneng. Rre Bonga a re kotsi e ka fetola botshelo ja motho, tebego ya gagwe le ka fa a neng a tshela ka teng pele a kopana le kotsi mme seo ga sefe mohiri sebaka sa gore a bo a ntsha mohiriwa mo tirong ka a sa tlhole a kgona go dira tiro e a neng a ntse a e dira. A re mohiri o tshwanetse go bona gore o thusa mohiriwa jang gore a kgone go tswelela a dira. A re mohiri o ka dira dilo di le tharo di akaretsa go neela mo-na-le bogole tiro e e motlhofo e a ka e kgonang, go mo fokoletsa dioura tsa go bereke le go bona gore fa a direlang teng go mmaya mo tshiamelong ya go dira tiro ya gagwe sentle a sa kgoreletsege. O tsweletse a re mo diemong tse, ke tshwanelo gore mohiri le mohiriwa ba buisane nako le nako ka botsogo le ditsamaiso mo tirong, fa ba ba bongaka le bone ele ba tsaya karolo go tlhalosa ka botlalo ka botsogo ja mo-na-le bogole le gore seemo sa gagwe se tlhokana le eng gore a dire tiro ya gagwe sentle. Mookamela khansele ya ba-na-le bogole, Mme Sekgabo Ramsay o tlhalositse gore maikaelelo a letsatsi leo ke go lemotsha mafatshe ka botlhokwa jwa dikgang tsa ba-na-le bogole, seriti sa bone le ka fa go ka tlhaloganngwang ka teng ditshwanelo le boleng jwa bone. O tsweletse a re sengwe gape ke go lemoga le go bona gore a ditumelano le puso le makalana a a ikemetseng di a diragadiwa jaaka go tsibogela tokafatso ya dikago gore ba-na- le bogole le bone ba kgone go tsena ka dikolotsana tsa bone go kopa dithuso mo madirelong le mo makalaneng a puso gammogo le gone gore a go akareditswe ditirelo go ba thusa. Mme Ramsay o kopile ba-na- le seabe go tlhabolola maranyane otlhe gore a akaretse ba-na-le bogole go nna le seabe mo madirelong le setshaba sa lefatshe leno. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Marakakgoro o tshegetsa setso Mo motsaneng wa Maunatlala mo kgaolong ya Tswapong Borwa go na le rre wa dingwaga tse di masome marataro le borobabobedi, yo o tumileng ka moopelo o o sa tlwaelesegang. O dirisa letlhare la mophane go ntsha molodi o o ka jelwang tlhako. Setswerere se sa pina Rre Obonye Marakakgoro yo o tlholegang mo kgotlaneng ya Mokuelelo o ikaile fa a sikana le seopedi se se tumileng mo go tsa moopelo, Rre Mmereki Marakakgoro yo o tumileng ka pina ya sekeresete ya Rre Marakakgoro ke mongwe wa mabutswapele a a santseng a tshegeditse metlha le ditsamaiso tsele tsa maloba. Se se lemotshiwa ke talente ya gagwe e a santseng a e tshegeditse a e supa le mo meletlong ka go farologana mo motseng. Letlhare le la gagwe o le letsa a tsentse moko mo nameng, e re fa motho a tlhwaya tsebe a lemoge fa molotsana wa gagwe e le wa dipina tse di tlwaelesegileng. Rre Marakakgoro o boletse fa a dirisa letlhare la mophane fela, a re go tsweng tsweng ke lone fela le a tlwaetseng fa le ka dirisiwa ka a ise a lekeletse a mangwe. O boletse fa go letsa letlhare go ne go tumile bogologolo nako tsa fa a santse a le mosimanyana, a supa fa ba ne ba letsa letlhare fa ba tswa madisong go supa boitumelo jwa gore ga ba a timetsa. A re le mo motseng e ne e re fela fa ba utlwa molodi o ba tlhanyege gore tiro e tlhotse e dirilwe; go lemotshega fa ba tlhotse ba di tshwere sentle basimane. Rre Marakakgoro a re talente e ya gagwe e ne ya lemogwa ke ba madirelo a maranyane kwa Palapye ka ba kile ba mo laletsa go tla go ba leletsa mo mongweng wa meletlo ya bone, a supa fa le ba seromamowa sa Botswana ba setse ba kile ba mo kapa lentswe a letsa yone melodi e ya gagwe mme ba e gasa mo seromamoweng. O tlatsa ka go re e ne ya re ka 2016 ka Phatwe a lalediwa ke ba Botswana Television go tla go mmotsolotsa ka talente ya gagwe, selo se a reng se ne sa mo itumedisa go menaganye ka a re se se ne sa mo fa sebaka sa go ka anamisa a bo a amogana le basha ditso tsa bogologolo. Rre Marakakgoro o boletse fa go supafala fa ngwao le ditsamaiso tsa segologolo di nyelela ka monokela. A re le mororo o nona pelo ka ka mathe gore go santse go na le basha ba ba lemogang e bile ba supa kgatlhego mo ditsamaisong tsa maloba ka a re se se ka itsa go nyelela ga ngwao. O boletse fa a itlamile go amogana talente e le ope fela yo o nang le kgatlhego go godisa le go tswakanya mmaraka wa bodiragatsi mo lefatsheng leno. O ne a bolela fa mo dipineng tsotlhe tse a di diragatsang a rata thata go tshameka tsa kereke segolo jang ya Re ya go boka morena. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Dingwetsi di kopilwe go nna tlhaga mo go ageng malwapa Dingwetsi di kopilwe go nna tlhaga go aga malwapa a a eletsegang. Mme Margret Molefhi a re se se ka kgonagala fa bomme ba ka nna le boitshoko mo malwapeng a bone le go rata bo matsalaabone. E rile a bua mo phuthegong ya go rola lekalana la lekgotla la Dingwetsi Association kwa Mmanoko bosheng, Mme Molefhi o ne a supa fa bomme ba dingwetsi ba le botlhokwa mo go ageng setshaba se se bopaganeng ka jalo ba tshwanetse go aga motheo wa lelwapa o o nonofileng. Mme Molefhi o supile fa dingwetsi di tsere maikano fa pele ga Modimo gore ba tlaa tlhokomela malwapa a bone, ka jalo ba tshwanetse go supa boitshoko dinako tsotlhe, ka se se ka ba baya gaufi le ditshegofatso tsa Modimo. O ne a bolela fa lenyalo kana botshelo di na le dikgwetlho, a supa fa mo tsamaong ya botshelo batho ba agile mmogo ba ka direlana diphoso mme tse di ka kgonwa ke go itshwarelelana le go ipaya fa pele ga ga Ramasedi. Mme Molefhi o ne a kopa dingwetsi go se dirise dikgwetlho tsa lenyalo jaaka seipato go tshabela manyalo a bone, a supa fa boitshoko, boineelo le tumelo e le konokono ya botshelo gape di ka ba fa mautlwelobotlhoko a Modimo. Modulasetilo wa dingwetsi tsa Gaborone, Mme Semmolaeng Machangana o supile fa bontsi jwa malwapa a thujwa ke go tlhoka go tshephagala mo lenyalong le go tlhoka go supa ka nako ya tshimologo ya lenyalo dilo di tshwana le dikoloto tse e a reng mo tsamaong di felele di imela lelwapa. O ne a kopa dingwetsi go seke ba nna ba tshwantshanya bokgoni jwa banna ba bone le jwa banna ba baagisanyi ka ba ka se itse gore ba kgona jang (banna ba baagisanyi) tsa malwapa a bone, ka jalo ba amogele seemo sa malwapa a bone le go tswelela ngwetsi e rera le rre go tokafatsa botshelo jwa lelwapa go ya ka bokgoni jwa bone. Fa a leboga, mokhanselara wa kgaolo, Rre Borumolano Mathwai o ne a supa fa go simolodisa lekgotla mo Mmanoko go tlaa thusa go aga tshaba e e nonofileng e bile e tlotla ngwao ya yone, selo se a boletseng fa se ka tsisa kagiso mo setshabeng. O ne a kopa dingwetsi go nna sekao mo bananeng ka go supa boitshwaro jo bontle jwa ngwetsi ya Setswana ka go aga motheo o o nonneng go tsweng ko moding, mme a ba kopa go nna le boitshoko le go nna le tumelo mo Modimong. Bokopano bo ne jwa supa botlhokwa jwa go simolodisa makalana lefatshe ka bophara. BOKHUTLO society 9 Mapodisi a kopa kemo-nokeng Mothusa ramapodisi wa Kang, Assistant Superintendent Kabelano Tebogo a re ba tlhoka kemo-nokeng ya setshaba go ba kgontsha go lepalepana le borukutlhi jo go lebegang bo gola le ditlhabololo. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Asst Superintendent Tebogo a re Kang ke motse o o golang ka ponyo ya leitlho, ka jalo ba itemogela go gola ka monokela ga methale ya borukutlhi jaaka, dipolaano, go thuba mo malwapeng le mabentlele jalo jalo. A re le fa go ntse jalo, ntwa kgatlhanong le borukutlhi jwa mefuta eo ba ka bo fenya fela fa banni ba motse ba ka tsenya letsogo e bile ba tshwaraganye le mapodisi go na le go nna barotloetsi ba ditiragalo tsa borukutlhi. Le fa go le jalo, Asst Superintendet Tebogo a re ditlhabololo ga di na molato ka jaana gotwe ‘mashi ke tswa thobeng ke le phepa, selabe se tla le motsaya kgamelo’. Ka jalo, ditlhabololo di thusa go fetola matshelo a batho ka go ba tlhamela ditiro, mme bontle jo bo senngwa ke ba ba tlang ba itira ba ba tsileng mafulong a matalana mme maikaelelo a bone e le go tlhorontsha setshaba ka ditiro tsa bosenyi. Rre Tebogo a re e re ka Kang a tsamaela go nna motse-setoropo, nako e gorogile, gore banni ba tsee malebela mo go ba ditoropo ka go tlhoma dikomiti tsa ntebele ke go lebele, gore e re fa ba lemoga tiragalo e e belaetsang mo motseng ba kgone go loma mapodisi tsebe ka bofefo. Mo go tse dingwe, o ne a kopa barui go netefatsa gore leruo la bone le teng ka dinako tsotlhe ka go nna ba le tlhola kgapetsakgapetsa. A re fela fa ba ka lemoga mongwe yo ba sa mo itseng a feta gateletse leruo ba tseye boikarabelo jwa go itsese mapodisi ka bofefo, segolo bogolo fa ba lemoga motho wa teng a bereka go itoma diteme fa a botsolosiwa kwa a tsayang loruo loo teng. O ne a tlatsa ka go gwetlha bomme gore fa ba ya maitisong bosigo ba tsamae ka digongwana le batho ba ba ba itseng. A re fa go ntse jalo go ya go nna thata mo dilalomeng go ka ba tlhasela. Rre Tebogo o gwetlhile batsadi go tlhokomela bana le go netefatsa gore ga ba sale ba le nosi mo lwapeng go hema diemo tsa go tshameka ka dilo tse diborai tse di ka bakang dikgobalo le dintsho ka ntata ya gore go a bo go sena yo a ba tlhomileng leitlho. O ne a gwetlha le batsadi go emisa go roma bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase thata kwa marekisetsong. A re bana bao ba abo ba ise ba nne le boitseanape jwa go tila go thulwa ke dikoloi le go phoronngwa ke dilalome. O ne a konentelela mafoko a gagwe, ka go re, dipaka tsa segompieno di fetogile ga di tshwane le tsa pele ka jaana dirukutlhi di tlhalefetse go dirisa maranyane mo borukutlhing, ka jalo a gwetlha setshaba go thusana le mapodisi go fedisa dikgang tsa borukutlhi jo. crime_law_and_justice 1 Lenaneo la LIMID le fetola matshelo a banana Lenaneo la LIMID go bolelwa le tsabakela ka go nonotsha le go tiisa banana ba ba neng ba latlhegetswe ke tshepho mo temo-thuong. Go tlhalositse jalo monana wa motse wa Bodibeng mo kgaolong ya Ngami mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA. Mme Dorcus Kanyose o kaile fa dipodi tse a di akotseng ka fa tlase ga lenaneo la LIMID, di fetotse botshelo jwa gagwe fela thata. A re e ne e le motho yo o sailang mo mebileng mo motseng wa Maun a kgatlhiwa ke monate wa diletso ga mmogo le maitiso mme a sena kgatlhego ya go ya morakeng. A re le ntswa a godisitswe ke batsadi ba ba neng ba beile botshelo jwa bone mo temo-thuong, ene mo go ene e ne e le dinyana fela a bona e se botshelo jo bo botoka. Le fa go ntse jalo, a re o ne a itumelela seabe sa puso ka go mo fa dipodi tse di lesome le botlhano ngogola tse a tlhalositseng fa jaanong a tsaya nako yotlhe a le kwa morakeng a disa a tlogetse menate. “Ke itemogetse fa go tlhoka go dira sepe go na le seabe sa ditiro tse di maswe mo bananeng segolo jang nnotagi e tiriso ya yone e tsereng phekelo e sele,” a tlatsa jalo. O supile fa selo se gantsi se dirang gore dipodi kgotsa dikgomo tse gantsi di fiwang banana ka fa tlase ga mananeo a puso di felele mo phefong ke go tlhoka bopelotelele, lorato le tlhokomelo mo go tsone. O kgadile mokgwa wa go tsaya mananeo mme morago batho ba a phuaganye ba ye go sele a re go dira jalo ke go phutlhamisa maiteko a a molemo a puso e a dirang go leka go tokafatsa le go tlhabolola matshelo a Batswana. Mme Kanyose o tlhalositse fa a ne a itlhopela go tsaya dipodi ka thotloetso ya batsadi ba gagwe ba bone ba nang le botsipa ka tsa temo-thuo, a re jaanong o setse a itse le gone gore dipodi di tlhokomelwa jang. O ne gape a re o lebogela thotloetso ya mokenti ka a nna a mo eme nokeng gangwe le gape go bona gore leruo la gagwe le kentilwe kgotsa le tipilwe go bolaya dinwamadi di tshwana le dikgofa. Le fa go ntse jalo a re sebe sa phiri mo thuong ya dipodi ke dibatana tse a reng di setse di jele dipodi tsa gagwe di le thataro. A re le gale seo ga se kake sa mo kgoba marapo mo thuong ya gagwe. “Ke tlaa rua dintsa tse di disang go nthusa go disa mo motshegareng fa dipodi di ile go fula kwa nageng,” a tlatsa jalo. O ne a tswelela a tlhalosa fa toro ya gagwe e le go tlhabolola losika lwa dipodi tsa gagwe ka e le tsa Setswana fela gore a nne le dipoelo ka dinako tsa thekiso. Mme kanyose a re dipodi tseo di mmutse tlhaloganyo e bile o kgona go lemoga fa go rua e se tiro ya bagolo fela kgotsa batho ba ba sa rutegang jaaka bangwe ba akanya, mme e le botshelo jwa mongwe le mongwe. E re go ntse jalo, Mme Kanyose o kopile banana go tlogela mokgwa o o atilelng wa go sianela go inaakanya le dikgwebo tse di setseng di tserwe ke ba bangwe jaaka go apaya borotho, go loga moriri le tse dingwe. A re mokgwa oo o phutlhamisa dikgwebo ka go tlaa bo go sena theko ka ntata ya bontsi jwa dikgwebo tsa mothale o le mongwe. A re kgwebo e tshwana le ya leruo ga e a tlala thata mo kgaolong ka ebile batho bangwe ga mmogo le lone lenaneo la LIMID le tlhaelelwa ke dipodi ka palo ya tsone mo lefatsheng leno e le kwa tlase. Mme Kanyose a re leruo jaaka kgwebo nngwe le nngwe le tlhoka tlhokomelo le tsamaiso e e lolameng go akaretswa le mekwalo ya tiriso kgotsa theko ya melemo le didirisiwa. O iteetse kobo moroko ka gore go rua hela ka bo gone go mo file seriti ka a ikutlwa a le motlotlo le ene a tswana le barui ba bangwe.BOPA economy_business_and_finance 3 Ba le babedi ba tlhakafetse mo kotsing ya koloi Kotsi e gapile matshelo a batho ba le babedi ka Labone fa diponeng tsa mosepele tsa Bokaa kwa Kgatleng. Go ya ka mogolwane wa sepodisi sa Mochudi, Superintendent Olebile Sitale, kotsi eo e diragetse ka Labone ka nako ya borobabongwe bosigo a tlhalosa fa koloi ya modiro wa Mazda Familia e e neng e pegile batho ba le bane e ne ya thulana le koloi ya mogobagoba e e neng e rwele semente. Superintendent Sitale a re batho ba ne ba ragosediwa kwa sepateleng sa Deborah Retief Memorial kwa dingaka di neng tsa rurifatsa fa mokgweetsi wa Mazda familia yo e leng monna yo o dingwaga tse di masome a mabedi le borataro le ngwana wa gagwe wa ngwaga o le mongwe ba ne ba setse ba tlhokafetse. O tsweletse a re mokgweetsi wa koloi ya mogobagoba yo o dingwaga tse di masome a mabedi le borobabongwe ga a bona dikgobalo dipe a tlatsa ka gore bapagami ba le babedi ba Mazda ba santse ba robaditswe kwa DRM. Superintendent Sitale o boletse fa ba santse ba tlhotlhomisa gore ke mang wa bakgweetsi yo o sa obamelang matshwao a tsela. A re mokgweetsi wa Mazda o ne a nna kwa Ledumadumane kwa Mogoditshane a tlatsa ka gore ga ba ise ba tlhomamise fa a ne a tlholega teng kana jang. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Go thujwa ga matlo le marekisetso go a tshwenya Mothusa mookamela mapodisi a Masunga, Rre Thuso Basuti a re ba tshwenngwa thata ke go thujwa ga matlo, mabentlele le marekisetso a bojalwa segolo jang a a sa sirelediwang. A re tiragalo e, e diragala thata mo matlong a a nang le dithoto tse di faphegileng jaaka dithelebishini, dibalamakgolo, diromamowa le tse dingwe. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Basuti a re ba okametse metse e le masome a mabedi le boraro, mme mo go yone borukuthi jo bo diragala thata mo metseng ya Masunga, Makaleng, Masukwane le wa Mapoka. A re mo matlong, go thujwa thata a beng ba one ba nnang kwa ditoropong mme ba sa tlogela ope go a tlhokomela. Ka jalo a re go botlhokwa go hirisa matlo a mofuta oo, segolo jang a beng ba one ba itseng gore ba ya go nna kwa ditoropong lobaka. A re e, ke melaetsa e go le gantsi ba e gasang mo diphuthegong tsa bone, go thusana le setshaba go lwantsha borukutlhi. Mme a re e re le ntswa banni ba metse e ba tsenelela diphuthego tsa dikomiti tsa Ntebele-ke-go lebele ka dipalo palo, bontsi jwa Batswana ga ba dirise melaetsa e ba e anywang mo diphuthegong tseo, ka jalo ke ka moo borukutlhi bo tsweletseng ka go golela pele. O tsweletse ka gore e re ka malatsi a boitapoloso le one a atumela, Batswana ba tshwanetse go bona gore dithoto tsa bone di sireletsegile mo dilalomeng, mme e bile a tlatsa ka gore ba ikaelela go emela borukuthi joo ka dinao. Rre Basuti a re ba ikaelela go fokotsa gape le dipalo tsa babereki ba bone ba motshegare ka gore borukuthi bo diragala thata bosigo, ka jalo ba itlama go oketsa tsa ba ba theogelang bosigo. O ne a tlatsa ka gore mo marekisetsong a bojalwa, go thujwa thata a a senang badisa dikago mme mo go a a nang le bone, go thujwa ka nako ya fa ba santse ba ikutswile mo ditirong. Gape o gwetlhile beng ba madirelo go sa latlhelele dikgwebo tsa bone, le fa go ntse jalo a ba solofetsa fa ba sepodisi ba tla leka ka bojotlhe go dibela borukutlhi. A re ditiragalo tse di diragala thata ka mafelo a kgwedi le malatsi a boitapoloso ka batho ba a bo ba itumetse phetelela ba bo ba phuaganya matlo le dikgwebo tsa bone ntle le go rurifatsa tshireletsego ya tsone. O rotloeditse Batswana go nna podi-matseba mmogo le go tsenelela lenaneo la Ntebele-ke-go-lebele mo dikgotlaneng tsa bone. Rre Basuti o gwetlhile gape Batswana go tsaya dithuto tsa ba sepodisi ka tlhwaafalo mmogo le go lebelela motshameko wa ba sepodisi wa Itshireletse ka le one o ka ba thusa go nna ba tla ka ditsela tsa go iphemela kgatlhanong le ditiro tsa borukutlhi. A re ditsela tse dingwe tsa go hema borukutlhi jwa mofuta o ke go rua dintsa, go thapa badisadikago, go tsenya dikapa-ditshwantsho tsa sephiri, go sa beye diketekete tsa madi mo matlong ka madi le one a ngoka dilalome. O gakolotse gape le bakgweetsi go kgweetsa ka keletlhoko segolo jang badirisi ba tsela ya Sebina/Masunga ka e sa agelelwa, ka jalo leruo le itaola, segolo jang bosigo crime_law_and_justice 1 Banana ba tlamega go ipelega Tona wa Papadi le Madirelo, Mme Dorcus Makgato-Malesu o rotloeditse banana go itshimololela dikgwebo mo malwapeng a bone le gone go dira dikoporase. E rile a buisa phuthego ya kgotla bosheng kwa Tumasera/Seleka, Tona a supa fa nako e tsile ya gore banana ba fetole go akanya fa dikoporase e le dikgwebo tsa bagolo ka le bone ba ka itshetsa ka tsone. A re puso e supile dikgwebo dingwe tse di ka simololelwang mo malwapeng ka jaana e ne e lemogile gore dikgwebo tse di sha di na le bothata jwa go duela madi a khiriso mme di felele di ole. Mme Makgato-Malesu o tlhalositse gore dikgwebo ka bontsi tse di tsweletseng pele di simolotswe mo malwapeng jaaka kgwebo ya nama ya koko ya Kentucy Fried Chicken. A re fa kgwebo e ntse e gola e tla a pateletsa mong wa yone go batla lefelo le le phuthologileng. Fa a ama tsa dikoporase, Tona o supile gore go botlhokwa gore maloko a itse go bala le go kwala fa ba batla go tsamaisa koporase, a tlhalosa gore dipatlisiso di supile fa letlhoko le la kitso, e le lone le dirileng gore dikoporase ka bontsi di phutlhame ka maloko a ne a jelwa madi fela a sa lemoge. O tsweletse a re dikoporase e kile ya bo e le tsone di tshwereng matshelo a Batswana mme bogagapa ke jone bo di bolaileng. O tlhalositse gore puso e tlile ka ditsela tse di sha go tsosolosa dikoporase e bile gona le lefelo la maemo a ntlha kwa maloko a rutwang mahala teng go tsamaisa kgwebo ya koporase. Mme Makgato-Malesu o gwetlhile banana gore batle ka maano le dikgwebo tse di sha gore ba kgone go itshetsa, a re ba seka ba akanya ka dikgwebo tsa mabentlele le dimausu hela. Banni ba ne ba iteela mafoko a ga Tona legofi mme ba tlhalosa fa ba tlaa iteka. Ba kopile Tona gore a ba thuse ka fa ba ka itshetsang ka teng ka magapu ka gore kgaolo ya bone e ratwa ke temo ya magapu fela thata mme gantsi a felela a senyega. Mo go tse dingwe ba supile fa ba sa itumedisiwa ke maduo a a sa tswang go tswa a mophato wa lekwalo la boraro mme ba tlhalosa gore bothata bo tswa kwa dikolong tse di potlana ka gore bana ba fetisiwa mophato wa bosupa ba sa dira sentle mme seo se ba thatafaletse dilo go ya kwa pele. Ba supile gape gore kgang ya gore bana ba dikole tse dipotlana ba bo ba fapaanelwa ke barutabana ngwaga le ngwaga fa ba tsena mo mephatong o mosha ga e a siama ka jaana ga e fe bana le morutabana go ithutana go kgona gore ba bereke botoka, ka jalo dithuto tsa bana di wela tlase ka ba bangwe ba le bonya go tshwara. Ba buile gape ba supa fa modumo o o tswang mo madirelong a majalwa a tshwana le dibara le one o na le seabe mo maduong a a bokoa ka jaana ba re modumo oo, o itaya bana tsebe fa ba tshwanetse go ithuta. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 VDC e kopilwe go rotoetsa batho go ikwadisetsa ditlhopho Mookamedi wa dioffisi tsa ditlhopho wa kgaolwana ya botlhophi e e bopilweng ka metse ya Mahalapye, Sefhare, Bobirwa le Palapye (MASEBOPA) Rre Molatlhegi Baloi o kopile maloko a komiti e e tsamaisang ditlhopho mo kgaolong-potlana ya Palapye le ya Lerala/Maunatlala go ya go ikwadisetsa ditlhopho gaufi le magae a bone. O ba kopile jalo mo thuto-puisanyong e ba neng ba e tshwere kwa Palapye. A re fa e sale ikwadiso e simolodisiwa Lwetse a tlhola ga raro dipalo tsa batho ba ba ikwadisang ga di nametse ka batho ba santse ba le maoto a tshupa. A re ke bone ba ba ka rotlowetsang bakaulengwe ka bone go ikwadisa le go gasa molaetsa ka mashetla gore batho ba ye go ikwadisa ka jaana e le bone ba ba tlhophilweng go tsaya boikarabelo kwa diphathing tsa bone. A re go tlaa dirisiwa tsamaiso e kgologolo go tlhopha mo ditlhophong tsa ngwaga o o tlang. A re le fa go setse go tlhomamisitswe molao o mosha ga o ise o tsengwe mo tirisong. A re go fokoditswe madi a a ntshiwang ke bontlhopheng. A re ntlhophang wa bopalamente o duela P500 go tswa mo go P5 000 fa bokhanselara jone go duelwa P100 go tswa mogo P1 000. O kopile gore bontlhopheng ba emise go tsaya boOmang ba batlhophi ka maikaelelo a gore ba tle ba ye go ba ba fa ka letsatsi la ditlhopho gore ba tle ba ba tlhophe ka ke molato go tsaya Omang wa motho. O mongwe molato ke wa go tshwaya dinepe mo ditlhophong. A re lephata le tsweletse ka go tokafatsa seemo sa go gasa molaetsa wa gore batho botlhe ba ye go ikwadisetsa ditlhopho ka go gasa molaetsa mo seromamoweng, dipampiri tse di balwang le ka maranyane a segompieno tota. Mogolwane mo ofising ya ditlhopho mo Palapye, Mme Gaoboloke Ditebo a re mafelo mangwe a supile fa ikwadiso e le boutsana mme ba kopa kemo nokeng ya diphati tsotlhe go rotoetsa batho go ya go ikwadisetsa ditlhopho gore monongwaga go seka ga nna le ikwadiso ya poeleo ka gore ikwadiso ya gompieno e filwe nako entsi go feta dinako tsotlhe. A re lekgotla le tsweletse le go tlhokomela mafelo a ikwadiso ka go nna ba batla batho ba ba a phepafatsang. A re mafelo a komiti e neng e ngongorega gore a iphitlhile ba dirile matshwao a a kaelang batho gore a fa kae. A re ba leka thata go rotloetsa batho gore ba ikwadise gaufi le fa ba nnang teng gore ba seka ba itsapa go ya go tlhopha ka letsatsi la ditlhopho. BOKHUTLO politics 7 Temo-thuo e tlhoka boineelo Mothusa Tona wa Lephata la Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao, Rre Dikgang Makgalemele, o akgoletse komiti ya ditshupo tsa Mahalapye boineelo jwa yone mo go direleng setshaba. Rre Makgalemele o buile se fa a bula ditshupo tsa temo-thuo kwa Mahalapye ka Matlhatso. O ne a kgothatsa komiti eo go tshwara ka thata le fa kemonokeng e ne e se kalo fa leeto la bone le simolola. “Se a re go tlogelwa tsatsing, se ikise moriting, ka jalo ke le akgolela go tsaya kgato ya go tlhabolola motse wa lona,” ga bua Rre Makgalemele. A re o lemogile fa komiti eo e tlhoka kemo nokeng ya baeteledipele ba kgaolo. “Le dirile selo sa botlhokwa go tsosolosa ditshupo tse di nang le dingwaganyana di ntse di phutlhame. Ke tlaa buisana le baemedi ba bangwe ba kgaolo kwa palamenteng, gore re loge maano a go le thusa,” ga tlhalosa Rre Makgalemele. A re puso e na le maikaelelo a go rotloetsa le go godisa bagwebi ka go reka dithoto le ditlamelo tsa bone. Mo ngwageng ono wa madi, puso e seegetse fa thoko P41.1 billion go rotloetsa bagwebi ka go reka dithoto tse di dirwang mo gae. O rotloeditse komiti ya ditshupo go sosoetsa banana go inaakanya le temo-thuo. O tlhalositse gape gore ditshupo tseo ga se tsa motse wa Mahalapye fela, ka jalo go le botlhokwa gore metse yotlhe ya kgaolo potlana ya Mahalapye e tseye karolo e e nonofileng. Rre Makgalemele a re mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go ntsha dijo gore maikaelelo a komiti eo a tle a nnele ruri. Rre Makgalemele a re temo-thuo e na le bokgoni jwa go tsholetsa itsholelo ka go tlhama ditiro. O tsweletse a tlhalosa fa puso e na le mananeo a a farologanyeng a a itebagantseng le go tlhabolola temo-thuo go thusa go tswaakanya itsholelo le go fokotsa letlhoko la ditiro. A re lengwe la mananeo, le le tshwanetseng la lejwa ke la popota mo maitlamong a puso a go rotloetsa Batswana go ntsha dijo tse di lekanyeng la ISPAAD. “Ga ke batle seipato sa gore pula e boutsana, re tshwanetse ra tsaya boikarabelo, ra sala morago ditaelo tsotlhe tse re di fiwang ke baitseanape ba temo, le go dirisa metlhale ya temo e e tsamaelanang le diphetogo tsa loapi. Mathata a ke a lemogileng ke gore balemi ga ba tlhokomele masimo. Temo e batla lorato le tlhokomelo e e tseneletseng,” ga tlhalosa Rre Makgalemele. Kgosi wa Mahalapye, Rre Duncan Segotsi, o ne a tlhalosa fa a tshwenngwa ke go bona morafe o sa kgatlhegela go nna le seabe mo ditshupong tseo. “Tsatsi jeno, magogwe o belaela lomepe. Le fa go na le ditiro tse di farologanyeng tse di ka tswang di tshwerwe mo motseng ka letsatsi jaaka dintsho, batho ba nna ba ikgaoganya ka ditiro, e seng seemo se ke se bonang gompieno ditshupo di tsenwe ke bodiredi jwa puso fela,” ga bua Kgosi Segotsi. A re maiteko a komiti a go tsosolosa ditshupo a tshwanetse a tseelwe kwa godimo ka gore ke go dira tiro e e tlaa sologelang molemo kgaolo potlana ya Mahalapye. “Ke dumela gore bogogi jwa motse jaaka dikgosi le baemedi ba sepolotiki ba itse ka tiro, mme ke hakgamala ba e phatlalaletse.” A re o tshwenngwa gape ke gore le fa go ntse go tsweletswe go baakanyediwa ditshupo, go ne go bonala gore bangwe ba bone ga bana kgatlhego mo tirong eo. Le fa go ntse jalo, Rre Segotsi a re puso e leka go rotloetsa batho ka bongwe ka bongwe go tsena mo mohameng wa temo-thuo ka mananeo a a farologanyeng, ka jalo go a tshwenya go bona le ba ba thusitsweng ba sa kgatlhegele go dirisa sebaka se, go bapatsa dithoto tsa bone. Mothusa modulasetilo wa komiti, Rre Basimane Mannaesi, o ne a lebogela bogosi jwa motse le ofisi ya ga molaodi go bona botlhokwa jwa go tsosolosa ditshupo. O supile fa tiro ya boithaopo e le bokete ebile e na le le dikgwetlho ka jalo e tlhoka boineelo. “Le fa go le boutsana, ke leboga ba ba bonyeng botlhokwa jwa go rotloetsa maiteko a rona,” ga tlhalosa Rre Mannaesi. A re maikaelelo a bone ke go bona lebala la ditshupo le dirisiwa ka botlalo go tsisa diphetogo tse di molemo kwa Mahalapye. BOKHUTLO society 9 Temo e sa ntse e ka nowa moro Molemi wa temo ya nosetso wa Eshashane fields kwa Ramokgonami, Rre Harold Cross o kopile balemi ba ba nang le keletso ya go tsena mo temong ya nosetso go e tlhoafalela ka e sa ntse e ka nowa moro.NRre Cross a re go lema dijalo di tshwana le maungo le merogo go ka fa balemi dipoelo di le dintsi fa molemi a tlhoafetse. O ne a bua jalo kwa letsatsing le le neng le rulagantswe ke ba lephata la dijalo ba Machaneng kwa Ramokgonami go ruta balemi ba Tswapong Borwa ka temo ya komelelo le ya nosetso bosheng. A re go sa ntse go tlhaela go le gontsi gore lefatshe leno le tsene mo seemong sa go lema dijo tse di lekaneng gore le ijese le bo le rekisetsa le mafatshe a sele. Rre Cross yo mo nakong ya gompieno a lemileng ditamati, ditapole, mmidi, mabele le maphutshe, a re gore molemi a boelwe ke gore a bo a na le tlhokomelo e e tseneletseng e akaretsa go laola diji le malwetse ka go tshela melemo e e farologaneng. Rre Cross a re balemi ba temo ya komelelo ba tshwanelwa ke go lema ka dipula tsa ntlha gore ba kgone go roba sengwe se se bonalang. O ne a tlhalosa fa mo temong yotlhe e a e dirang a dirisa motshine o o bidiwang ripper go somarela bokgola, a bolela fa seo se mo thusitse thata ka dipula di ne di le boutsana mme a ne a lemile mmidi le mabele go dira dijo tsa dikgomo. A re o lemogile fa go na le dilo di le dintsi tse ba ba lemang kana boraditerekere le ba ba lemelwang ba sa di direng sentle. A re boraditerekere bangwe ba reka didirisiwa tsa maemo a a kwa tlase mme di bo di sa leme sentle. A re dingwe di felela di sa ntshe dijalo sentle, ka jalo go bo go nna le fa go sa tlhogeng teng mo tshimong. Fa a itebaganya le ba ba lemelwang a re bangwe ba lema ba bo ba nna kwa magaeng ba sa tlhokomele ba bo ba felela ba sa robe sepe. O ne a ikuela mo baleming go tlhoafala fa ba batla dipoelo a bo a rotloetsa boraditerekere ba ba lemang balemi ka lenaneo la ISPAAD go reka didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo gore ba lemele balemi sentle ka ba duelwa. Rre Cross o ne a rotloetsa balemi gore ba seka ba tsena mo temong ya nosetso ka lepotlapotla. A re ba tshwanelwa ke go simolola ba lema go le gonnye mo ba ka go laolang mme ba bo ba tswelela ba oketsa go fitlhelela ba tsena fa ba batlang teng. economy_business_and_finance 3 Baithuti ba bolokilwe Baithuti ba le supa ba sekolo se segolwane sa Matsha ba e neng ya re bosheng ba latlhegelwa ke matshelo mo kotsing ya koloi ba phaketse ba fitlhilwe kwa Salajwe, Sorilatholo, Takatokwane, Khudumelapye le Mantshwabisi mo kgaolong potlana ya Letlhakeng. Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama o ntshitse molaetsa go balwa ke matona a puso a a neng tsene ditirelo tsa diphitlho. Fa a bala molaetsa kwa phitlhong ya ga “Ke tlhomamisa gore lo ne lo na le tsholofelo ya gore Irene Molebeledi o tla a dira pharologanyo mo matshelong a lona. Mme fela jalo, le rona re le puso re ne re ntse re mo pepetletsa, re mo godisa ka tumelo ya gore e tla a nna mongwe wa dikgantshwane tsa lefatshe leno mo go fatlhogeng ga gagwe.” Kwa Salajwe, mogolwane wa lephata la thuto, Rre Khumoyame Mosetlha o kaile fa Rre Mosetlha a re moswi e ne e le ngwana yo o boitshoko ebile ga e ise e re ka tsatsi lepe a amege mo ditirong tsa botlhokatsebe. Moruti wa kereke ya ga Barati a re moswi o ne a mo leletsa letsatsi pele a kwala ditlhatlhobo tsa mophato wa botlhano a ikaya fa tsholofelo le mowa wa gagwe di le kwa tlase, ka jalo moruti a mo fa lefoko la kgothatso. Phitlho ya ga A re Olebile e ne e le mosetsanyana yo o neng a didimetse. Mothusa mogokgo wa sekolo sa Matsha, Rre Given Selato fela jaaka dibui tse dingwe a re moswi e ne e le motho yo o didimetseng, a le maitseo o ka se mo utlwalele ka tsatsi lepe a amega mo ditirong tsa botlhokatsebe e bile a tsaya dithuto tsa gagwe ka tlhwaafalo. Dibui di mo kaile fa e ne e le moeteledipele. Moemedi wa barutabana, Rre Pogiso Itomeng a re Keakabetse e ne e le moithuti yo o maitseo. E re le ntswa a ne a sa abelwa thata, Rre Itomeng a re o ne a tsaya dithuto tsa gagwe ka tlhwaafalo, ka jalo se se ne se tla a mo isa golo gongwe mo botshelong . A re ga e ise e re ka tsatsi lepe batsadi ba gagwe ba bilediwe kwa sekolong a amega mo go sepe se se bosula. Moemedi wa lelwapa, Digau Keipoletse a re le ntswa ba ne ba solofetse mo go ntsi mo go ene, ba amogetse seemo. Moemedi wa baithuti, Constance Tshimane le tsala ya moswi Kealeboga Johane ba kaile fa Tirelo ya phitho ya ga Joyce Tsogwane e ne e tshwaretswe kwa Takatokwane fa Neo Kealotswe ene a fitlhitswe kwa Mantshwabisi. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Mothusa molaodi o kopa banni gore ba seka ba fela pelo Mothusa molaodi wa Bokone Botlhaba, Mme Wapapha Wali o kopile batho ba ba emetseng go thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma gore ba seka ba fela dipelo ka ba tlaa felela ba thusiwa. Mme Wali o buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla di tshwerwe ke mopalamente wa Tati Bophirima yo gape e leng mothusa tona wa lephata la botsogo le boitekanelo, Rre Biggie Butale kwa Matenge, Toteng le Botalaote bosheng. Banni ba metse eo, ba ne ba ikuetse kwa mopalamenteng tebang le bonya jwa go goroga ga mananeo a nyeletso lehuma kwa metseng ya bone. Bangwe ba ne ba supa fa ba na le dingwagangwaga ba sekasekilwe mme nako kgolo ke eno. Ba ne ba supa fa ba setse ba felelwa ke tshepo ka jaana go sena sepe se se dirwang go ba fa tsholofelo ya gore ba tlaa bona thuso. Mme Wali o ne a itsese banni fa ba tlaa thusiwa go ya ka go tlhatlologana ga dikopo tsa bone fa seemo sa madi se letla, a kaya fa kgaolo ya Bokone Botlhaba mo nakong eno e na le baikopedi ba nyeletso lehuma ba le makgolo a mane le masome a supa le boferabongwe. O tlhalositse fa baikopedi ba sena go thusiwa botlhe ka nako e le nngwe, a re mo ngwageng ono ba amogetse madi a a ka lekanang go thusa ba le masome a supa le boferabongwe fela. Le fa go ntse jalo, Mme Wali o ne a gwetlha baikopedi ba nyeletso lehuma go nna ka tsholofelo, a tlhalosa fa ba tlaa tlhomamisa gore mo motseng mongwe le mongwe wa kgaolo go tlaa nna le moikopedi yo o thusiwang monogwaga. Mo go tse dingwe, banni ba ne ba kopa gore kokelo ya Makaleng e bereke bosigo le motshegare, ka jaana e le yone kokelo e tona mo tikologong ya bone, mme e bile e thusa metse e fera bobedi. Ba ne gape ba kaya fa go tlhokafala ngaka kwa kokelong eo, morago ga gore yo o neng a le koo a ye go ikoketsa dithuto. Fa a araba mababi le ntlha eo, mogolwane go tswa kwa lephateng la botsogo le boitekanelo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Mavis Motshelanoka o ne a tlhalosa fa maiteko a bone a go kopela dikokelo tsa Makaleng le Tsamaya go dira bosigo le motshegare a sa atlega. A re gore kokelo e dire bosigo le motshegare, go lebelelwa dipalo mme fela go ne ga fitlhelwa dipalo di le kwa tlase. Mabapi le kgang ya ngaka, Mme Motshelanoka o ne a supa fa ngaka wa Makaleng a le teng mme sebe sa phiri e le go bo a ise a bone boroko. A re mme fa a ka tswelela a sa bone boroko go ka nna le kgonagalo ya gore a fetisediwe kwa motseng o mongwe, kwa a ka bonang boroko teng. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Mokodue go tsoswa oo itekang. Setlhopha sa Tsatsi le Etla se se tlhamilweng ka 2010 se na le bomme ba le masome a mabedi ba ba sa iponeng tsapa go iphataphatela ka go dirisa mokolwane go loga ditlatlana, mebanki le diphate go itshetsa Fa a bua mo potsolotsong, motshwara madi wa setlhopha, Mme Catherine Dimpisi a re ba bone go tshwanela e le bomme gore ba eme ka dinao go tla ka maano a go itshetsa jaaka go twe mokodue go tsoswa o o itekang. Mme Dimpisi a re ba tlhamile setlhopha seo ka maikaelelo a go itshetsa gammogo le go somarela ngwao ya Setswana. O tsweletse a tlhalosa gore setlhopha se ikaegile ka bagolo ba ba dingwaga tse di masome a matlhano le bobedi go ya kwa godimo ka go bo bontsi jwa banana ba sa kgatlhegele tiro ya go loga didirisiwa tsa Setswana. O tsweletse ka go tlhalosa fa ba dirisa mokolwane go loga ditlatlana, mebanki le diphate mme morago ba o kopanye le makwati a setlhare sa monyee go dira motako o o kgabisang. A re tiro ya go loga e tlhokana le bopelotelelele le botswerere ka e le thata e bile go se motlhofo go ka dirwa ke mongwe le mongwe. Mme Dimpisi a re dithoto di tshwana le mebanki e metona ba e rekisa go simolola ka P500 go ya kwa go P600 fa ditlatlana di rekisiwa P50 mme ba patelesega go fokotsa ditlhwatlhwa ka baji bareki ba ba tlhalosetsa fa di le kwa godimo. O tlhalositse fa letlhoko la mmaraka e le kgwetlho mo go bone mme nako e ntsi ba tsaya dithoto di se kaenyana go ya go di rekisa kwa Talana Farm, Mashatu Game Reserve le Tuli Lodge ka ba sena lefelo le ba ka le bitsang boremelelo jwa mmaraka wa bone. O supile fa lefelo le ba le dirisang ba le neetswe ke puso ka fa molaong ka jalo ba bereka ka tshosologo go sena dikgoreletsi dipe. A re ba dirisa mokolwane o ba o tsayang kwa morakeng wa Makadibeng selo se a reng ke kgwetlho e tona mo go bone ka gore go kgakala jalo go ba pateletsa go thapa dikoloi go ya teng gonne ga ba na koloi e e leng ya bone. A re e rile ngwaga oo fetileng ba lephata la boipelego ba ba solofetsa go ba batlela mmaraka le go ba thusa ka madi go tokafatsa kgwebo ya bone mme ga go nko e e tswang lemina. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Bakhurutshe ba Tonota ba baakanyetsa moletlogadi Morafe wa Bakhurutshe ba Tonota o baakanyetsa go tlhongwa mo setilong ga ga Kgosi Bokamoso Radipitse, yo o tsereng bogosi mo ga rraagwe, Kgosi Ramosinyi Radipitse. Morago ga go rola tiro ya bogosi ga ga Kgosi Radipitse, mojaboswa o tlaa bewa mo setilong Phatwe a tlhola malatsi a le lesome le boferabobedi. E ntse e le gone ka letsatsi leo, morafe o tlaa bo o laela rraagwe yo o saleng a busa go tswa ka 1985 go fitlhelela ngogola Moranang e fela jaaka a ne a tlogela ka bogodi. Ka jalo, e ne ya re Mopitlo, morafe wa Bakhurutshi wa tlhopha lekoko le le tlaa baakanyetsang moletlogadi oo wa tsamaya sentle le peo ya kgosi. Lekoko leo, le le eteletsweng pele ke Rre Seroro Ramahobo, le simolotse tiro ka go rerisanya le dikgotlana le morafe go phutha tsotlhe tse di tlhokegang mo tirong e. Mo godimo ga moo, dikomiti di le pedi tsa bana ba Tonota kwa Gaborone le tsone di tsweletse ka go dira mo di ka go kgonang go thusa. Tsone ke komiti ya nakwana ya mopalamente wa Tonota, Rre Thapelo Olopeng e e eteletsweng pele ke Rre Batlang Serema le mokgatlho wa Tonota Development Support Group o eteletsweng pele ke Rre Batsile Koontse. Gape go na le dikomiti mo metseng e e dirang kgaolo ya Tonota jaaka Mandunyane, Mabesekwa, Serule, Jamataka, Makobo, Borolong, Chadibe, Semotswane, Leomboko, Gojwane, Fole le e mengwe e ntse e le ka maikaelelo a go rotloetsa mokete o. Komiti kgolo e setse e kopane e bile e rerisitse ba-tsaya karolo ka go farologana e bile e tsweletse ka go kopa dithuso. Dithuso e ka nna madi kgotsa dilwana mme di ka tsisiwa kwa letloleng la komiti ya ditlhabololo tsa motse mo la nomore ya: 62126839466 kwa mabolokelong a First National Bank, Francistown kana ka sebele kwa diofising tsa kgotla e tona ya Tonota. BOPA society 9 Ba kopiwa go duelela ditsha Modulasetilo wa lekgotla le le botlana la kabo ditsha la Molepolole, Rre Edson Phuthe o boletse fa le tshwentswe ke batho ba ba sa dueleleng ditsha tsa bone tsa kgwebo. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Molepolole ka Mosupologo, Rre Phuthe o ne a gakolola gape fa ditsha tsa kgwebo di duelelwa ngwaga le ngwaga, mme a bua fa beng ba tsone ba ntse moriti o tsididi. Modulasetilo o ne a tlhalosa fa bangwe ba sa tlhabolole ditsha tsa bone mo lebakeng le le beilweng, a re seo ke tlolo molao le boferefere ka batho bangwe ba rekisa ditsha tse di sa tlhabololwang. Rre Phuthe o ne go na le ba e reng ba sena go rekisa ditsha, ba ye go batla meriti ya ditlankana tsa bone kwa lekgotleng la kabo ditsha, a re go dira jalo ke boferefere mme batho ba go nna jalo ba tlaa tseelwa dikgato. O ne a re o tshwentswe ke batho ba ba ikokeletsang ditsha, a re go dira jalo ga go ka fa molaong, e bile go kgoreletsa mealo ya metsi le motlakase. E rile ba mo kgwa dikgaba, banni ba ne ba re ba nna lobaka ba sa bone ditsha, selo se Rre Phuthe a tlhalositseng fa le bone se ba tshwenya, mme ga ba na madi a phimolo keledi ya go amoga batho masimo. society 9 Mokgatlho o rotloetsa borre go fetola maitshwaro Dikgang tse di tshwenyang tsa go bolawa ga bomme di gwetlhile Rre Mmereki Kgosiyabone go ralala Botswana a rera efangedi go rotloetsa borre go tsalwa sesha le go sireletsa bomme. Rre Kgosiyabone, yo o eteletseng pele mokgatlho wa Genesis 21, a patilwe ke setlhopha sa gagwe ba mo mogwantong wa dikhilomithara tse 1 600 go tswa Shakawe go tla Gaborone ka maikaelelo a go gasa molaetsa o o kgalemang dipolao tsa bomme tse di dirwang ke bakapelo ba bone. Mogwanto o, o simolotse Seetebosigo a le 18 mme o tlaa tsaya malatsi a le lesome le botlhano go wetse Phukwi a tlhola ga raro. A re kgang ya dipolao tsa bomme ke bolwetse jo bo tlhokang kalafi. Fa a bua bosheng kwa kgotleng ya Mahalapye, Rre Kgosiyabone a re borre ba tlhoka go sugwa ditlhaloganyo gore ba kgone go tsaya ditshwetso tse di lebaneng. A re keletso ya bone ke go tsena le mo dikoleng tse dikgolwane go ruta bana ba basimane. Rre Kgosiyabone a re maiteko a mofuta o, a ka thusa go fenya dikgang tse di tshwenyang mo setshabeng. A re ba tshwentswe ke dikgang tsa bomme ba ba latlhegelwang ke matshelo ka dipalo tse di tsitsibanyang mmele di dirwa ke ba ba reng ba a ba rata. Rre Kgosiyabone o kopile dikgosi le setshaba ka kakaretso go leka go ruta borre gore ba fetoge. A re go botlhokwa gore borre ba ithute go amogela gore lorato ke selo se se kgonang go fela. A re borre ba seka ba tlhajwa ke ditlhong go kopa dithuso tsa tshidilo maikutlo ka go dira jalo go ka ba thusa go hema go tsaya ditshwetso tse di sa siamang. O rotloeditse borre go tlhokomela bomme, a re mme ke sethunya mo lwapeng o tshwanelwa ke go tshwarwa sentle. Kgosana wa kgotlana ya Dilaene 2, Rre Albert Moseki o lebogetse banana maiteko a ba a dirang, a re ba tswelele le mosepele wa bone wa go gasa molaetsa o o botlhokwa o. Kgosana Moseki a re go a nametsa go bona banana ba eme ka dinao ba ithaopa go lwantsha mathata a a tshwenyang mo setshabeng. Rre Moseki a re go a tshwenya go bona banana ka bontsi ba kgobokanngwa ke nnotagi, selo se se ba ntshang mo tseleng mme ba tlhoke boikarabelo. Mongwe wa batsena phutego, Mme Monty Moseki o kgothaditse borre go amogela phelelo ya lorato. A re ba ikanye lefoko la Modimo fa ba le mo dipharagobeng le gore ba itse fa mosepele wa lorato o na le bokhutlo. “Rapelang le tshephe thapelo,” ga kgothatsa Mme Moseki. society 9 BTCL e abela sekole Khamphani ya Botswana Telecommunication Cooperation Limited (BTCL) e abetse baithuti, barutabana le babereki ba sekole sa Bobirwa Junior Secondary School kwa Bobonong dikhompiutara le megala ya letheka kwa moletlong wa kabo dimpho wa sekole seo bosheng. BTCL e abetse moithuti wa mophato wa ntlha, wa bobedi le wa boraro ba ba dirileng sentle mo dithutong kakaretso khomputara mongwe le mongwe wa bone. Morutabana yo o rutang ka manontlhotlho le yo o dirileng sentle mo go katiseng baithuti mo metshamekong ba ne na lebogiwa ka dikhomputara le bone. BTCL e ne ya neela mogokgo le mothusi wa gagwe, barutabana le babereki ba sekole ba ba dirang ka natla mo tirong ya bone megala ya letheka le dikipara tsa beMobile ga mmogo le go abela sekole motshine o o ntsifatsang dipampiri. Mogolwane wa BTCL, yo e neng e le molalediwa wa tlotla, Rre Boitshepho Puleng a re khamphani ya bone e bonye go le botlhokwa go inaakanya le go bona gore thuto e a tlhabologa. A re ba ne ba bona go le maleba go abela barutabana, baithuti le babereki ba sekole se didirisiwa tsa boranyane gore ba tlhabolole ka fa ba rutang ka teng, gore sekole sa bone se ntshe maduo a mantle. Rre Puleng o gakolotse batsadi go fa bana thotloetso gore ba ithute thata, ka go supega fa bana ba batsadi ba bone ba ba emeng nokeng mo dithutong ba dira sentle. Mogolwane yo, o kopile batsadi go nna ba etse tlhoko metsamao ya bana ba bone ka ba ka lemoga ka bonako fa ngwana a sa tlhwaafalele kgotsa a sa dire sentle mo dithutong tsa gagwe. Rre Puleng a re BTCL e tlaa tswelela e thusa sekole se fa se tlhaelang teng go bona gore se neela baithuti thuto ya boleng jo bo kwa godimo. Mogokgo, Mme Maipelo Mazebedi o tlhalositse fa sekole sa gagwe se tsweletse ka go dira sentle mo dithutong le mo metshamekong, ka ngwaga le ngwaga ba nna ba fiwa seetsele sa go nna nngwe ya dikole tse di dirileng sentle mo lefatsheng leno mo maduong a mophato wa boraro le mo metshamekong. Mme Mazebedi a re le fa sekole sa gagwe se dira sentle, se lebanwe ke dikgwetlho tsa go tlhaelelwa ke matlo a a nnang barutabana, dikhompiutara, metshine e e ntsifatsang dipampiri le dikoloi tse di ka dirisiwang go dira ditiro tsa sekole tsa letsatsi le letsatsi. education 4 Kgosana o amogela thomo Kgosana Robert Tshukudu o amogetse thomo ya go etelela morafe wa Malotwana pele. E ne ya re a mo supa mo morafeng ka labone, Kgosi Segale Linchwe a bolela fa Kgosana Tshukudu a tsaya mo go Kgosi Tlhowe yo o neng a supa fa a tlogela setilo sa bogosana mme morafe wa Malotwana wa tlhopha Kgosana Tshukudu. Kgosi Segale o boletse fa Kgosana Tshukudu a ne a tshwanetse go simolola tiro kgwedi eno e le boraro mme a mo kopa gore a eme pele a tle a mo supe mo morafeng pele. Kgosi Segale o mo kopile gore a tlhokomele morafe wa gagwe a seka a tsaya matlhakore a tsee batho ka tekatekano. O ne a mo rotloetsa go reka dibukana tsa molao tse di amang bogosi gore a tle a nne le botsipa jwa go tsamaisa ofisi sentle, a tlhalosa fa dibukana tseo e le Penal Code, Bogosi Act le Customary Law. A re dibukana tseo e nne tsone ditsala tsa gagwe. O ne gape a mo kopa go ikgapha mo nnotaging, a tlhalosa fa moeteledipele a tshwanelwa ke go itshwara sentle gore morafe o mo tlotle, a tlatsa ka go re nnotagi ke yone e e tlhakatlhakanya dilo tsotlhe mo botshelong. Kgosi Segale o ne a mo gakolola ka mananeo a puso a a boletseng fa a le botlhokwa thata mme a rotloetsa Kgosana Tshukudu go netefatsa gore o bitsa morafe go ba rotloetsa le go ba tlhalosetsa go a dirisa go itshetsa. O ne a mo kopa go bereka sentle le dikomiti tse di mo motseng ga mmogo le badirelapuso. E ne e ya re ba amogela kgosana, ba mo amogela ka lorato le kagiso. Rre Moratiwa Tshukudu, yo e leng mogolowe kgosana, o boletse fa kgosana Tshukudu a tlhokana le kemonokeng ya morafe gore a tle a kgone go dira tiro ka bonokopila, a tlatsa ka go re o tlhophilwe ke Modimo. O ne gape a gatelela kgang ya tshwaragano, a supa fa e le botlhokwa, mme o ne a rotloetsa Kgosana Tshukudu go tshwaraganya morafe wa Malotwana. Mme Diteko Maxala o ne a leboga Kgosi Segale go bo a tsile go ba begela le go ba bontsha moeteledipele wa bone yo mosha. O boletse fa mo malatsing a a sa tswang go feta ba ne ba sokola go sena kw ba bonang thuso teng mme a tlatsa ka go re o na le tsholofelo ya gore ga ba na go bona tshokolo eo gape ka moeteledipele wa bone o setse a gorogile. Fa a tswa la gagwe, Mokhanselara Thabo Komane o boletse fa go le mo maruding a kgosana go tsaya boikarabelo jwa go etelela morafe pele. O ne a tlhalosa fa go tlaa tswa mo go ene gore o isa motse oo kae ka dikgang tse di amang morafe wa gagwe. O ne gape a mo gakolola ka kgang e e tlwaelesegileng ya magosi ba ba ganelelang mo setilong kana ba lwela bogosi mme o ne a mo rotloetsa gore a dire fela jaaka yo o sa tswang go tlogela setilo seo ka go neela yo mongwe ka kagiso go sena makgwere ape. Mokhanselara Komane o ne a eleletsa Kgosana Tshukudu masego le matlhogonolo mo tirong. BOKHUTLO society 9 Bofofu jwa bana bo ka thibelwa Mooki kwa kokelo ya Palapye Mme Josephine Sentsho a re bofofu bo ka thibelwa mo baneng fa ba isitswe bongakeng bo ise bo kekele. Fa a bua mo potsolosong le Fa a nankola dikai Mme Sentsho a re go na le matlho a a leaneng a a tlhalositseng fa ba bongaka ba kgona go ka a baakanya gore a tlhamalale. Mme Sentsho o kaile gore go motlhofo go baakanya matlho a a leaneng ngwana a santse a le monnye ka gore tshika e e dirang matlho jalo e a bo e ise e nne thata. “Go leana ga matlho go dira gore ngwana a seka a bona sentle ka gore o bonela gaufi, ka jalo go botlhokwa go lere bana bongakeng go ba fa kalafi ba sale bannye,” mmoki a tlhalosa. Mme Sentsho o tlhalositse fa matlho a a tshikhinyegang a sena kalafi mme a ka baakanngwa fela ka digalase tse ditona, bogolo jang fa ngwana a le dingwaga tse di ferang bongwe go ya kwa go tse di lesome. O tlhalositse gape fa go na le matlho a a nang le letha, le ngwana a kgonang go tsolwa a na le lone. O kaile gore letha le kgona go bakela motho kankere ya matlho mo go ka felelang go gapela motho botshelo ka leitlho le le gaufi thata le boboko. Letha le le tswang mo ngwaneng a le monnye a re le ka arwa la ntshiwa gore go sirelediwe metsi a leitlho. “Fa ngwana a tswa malaka a mantsi mo matlhong o tshwanetse go isiwa kokelong go ya go tlhatlhojwa go bona gore go bakwa ke eng,” mooki a rotloetsa. Go baba ga matlho a re go kgona gore go bo go bakwa ke lerole la dithunya tsa ditlhare tse di fokang mo phefong. O kopile batsadi go isa bana kokelong gore ba fiwe kalafi go sale go sha. Mme Sentsho o rotloeditse batsadi go fa bana dijo tse di nang le dikotla tse di siametseng botsogo jwa matlho jaaka maungo a mebala e e bonalang thata jaaka moretologa, tamati le segwete. O bile a kopa batsadi le barutabana go ela bana tlhoko fa ba tshameka gore ba seka ba gobatsana mo matlhong ka pono e le selo se se botlhokwa mo botshelong jwa motho. health 6 Matambo o ikuela mo dikomponeng Tona wa madi le tlhabololo itsholelo, Rre Kenneth Matambo o ikuetse mo dikomponeng tse di iseng di eme nokeng lenaneo la ga Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama la go agela batlhoki bonno go dira jalo. A re dikompone le ba ba ikemetseng ka nosi ba tshwanetse ba thuse puso mo letsemeng le le tsweletseng pele la go bona gore batlhoki ba bona bonno. O ne a bua jalo fa a ne a neela ba lelwapa la ga Mme Motlalepula Tlhako ntlo semmuso e ba e agetsweng ke ba banka ya Botswana Savings Bank (BSB) bosheng kwa Chadibe. A re bonno ke selo sa botlhokwa mo botshelong jwa motho, ka jalo motho fa a sena bonno o a bo a sena seriti. A re motho fa a sena bonno o a bo a le mo mathateng a matona ka ga go na fa a ka itiketsang teng fa diemo, bogolo jang tsa bosa, di sa iketla. Rre Matambo o ne a lebogela ba BSB go bo ba ne ba bona go tshwanela gore ba agele ba lelwapa la ga Mme Tlhako ntlo ba ba nnang ba le 32 mo lelapeng leo. A re ba BSB ba dirile tiro e kgolo thata e bile ba tlhokana le go galalediwa. A re ntlo e e agetsweng boora Tlhako ke e e feletseng fa go lebilwe seemo se ba neng ba le mo go sone ka e na le dikamore tsa borobalo di le pedi, kamore ya boapeelo, kamore e go nnwang mo go yone e bile gape metsi a goketswe mo lwapeng. A re ntlo eo e tlaa seke e thuse Mme Tlhako fela mme e tlaa thusa le bana ba gagwe. Rre Matambo a re BSB e tswa kgakala e thusa batlhoki mme go na le dikompone tse dingwe tse di tsweletseng di thusa di dira fela jaaka ba BSB. Mme Julianna White go tswa kwa BSB o ne a bolela fa banka eo e tswa kgakala e ntse e thusa ba ba tlhokang mme e tlaa tswelela e thusa fa go tlhokafalang teng. A re maitlamo a mangwe a BSB ke go thusa setshaba. O tlhalositse fa BSB e sale e simolotse thulaganyo ya go agela batlhoki ka 2006 kwa Ngware mme ka 2014 ba aga matlo a le mabedi. Ba ne ba aga ntlo e nngwe kwa Moreomabele fa e nngwe ba ne ba e aga kwa Tshane. A re ntlo e nngwe ba ne ba e aga kwa Thamaga ngwaga tlola. O ne a re ntlo e ba e agetseng boora Tlhako ke ntlo ya botlhano ba e agela motlhoki mme e le ya bone ka fa tlase ga lenaneo la ga Tautona la go agela batlhoki matlo. O ne a akgola Tautona Khama go bo a simolotse lenaneo le lentle la go agela batlhoki matlo. Mme Tlhako yo o neng a tletse ka boitumelo o ne a leboga ba BSB go bo ba ne ba mo agela bonno. A re o ne a sa akanye gore e tlaa re mo nakong eno a bo a agelwa ntlo. O ne a ba gwetlha go tswelela ba ntse ba thusa ba ba nang le seemo se se tshwanang le sa gagwe. BOKHUTLO politics 7 Tlhakanelo dikobo ka dikgoka ke molato Mookamela mapodisi a Middlepits mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, Superintendant Moses Chibamo o kgadile banna bangwe ba ba tlhakanelang dikobo le bomme kwa ntle ga ditumalano le bone, a supa fa go dira jalo e le molato o motho a ka tseelwang dikgato tse di gagametseng ka one. Mo potsolotsong bosheng, Superintendant Chibamo o boletse fa e rile Phalane a le masome a mabedi le borataro ka nako ya boraro maphakela, mongongoregi mongwe a kopa boroko kwa lwapeng la mmelaelwa kwa Middlepits morago ga go tswalwa ga marekisetso a bojalwa. Mookamela mapodisi o supile fa go belaesega fa bobedi joo bo ne bo itisitse mmogo kwa maitisong mangwe kwa Middlepits pele ga tiragalo eo mme ka mongongoregi a ne a lapile thata go ya Bogogobo a kopa boroko kwa lapeng la mmelaelwa. Superintendent Chibamo o kaile fa mmelaelwa e le rre wa kgotla ya Taukobong kwa Kanye mme a tlaa isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata go lebisiwa molato wa petelelo. O kaile fa dikatlholo tsa petelelo di farologanngwa fela ke gore a mmelaelwa o fitlhelwa a na le mogare wa HIV/AIDS fa a tlhatlhobiwa ke ba bongaka, a kaya fa a ka tsena kgolegelo ya dingwaga tse di sa feteng lesome le botlhano fa a ka fitlhelwa a na le mogare, mme fa a sena one a ka kiba kgolegelo ya dingwaga tse di seng kwa tlase ga lesome. Superintendent Chibamo o kopile borre go tlogela mokgwa wa go itseela dikobo ka dikgoka mo go bomme a kaya fa go dira jalo go ka baka gore motho a latlhegelwe ke tiro fa e le gore o a bereka e bile gape a re ke go tlhoka go itlotla le gone go itiga seriti. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Ofisi ya bagodi e butswe kwa Palapye E rile bosheng, ofisi ya ga molaodi kwa Palapye ya rwala ditlhako go ya go araba matshwenyego le go tsaya megopolo ya bagodi ba Maunatlala mo kgaolong ya legare bosheng. Mogolwane wa ofisi ya bagodi, Rre Thapelo Moje are ofisi ya bone e butswe kwa Palapye. Ka jalo e tla a ba fokoletsa ditshenyegelo tsa go tsaya mosepele o moleele go latela dithuso kwa Gaborone kgotsa Francistown. O kopile bagodi go ikopanya le ba poso mabapi le dikoloto tsa bone tsa 2013 go fitlha mo lebakeng la gompieno. O ne a tlhalosetsa bagodi gore e rile ka Moranang puso ya tsaya tshwetso ya go okeletsa bagodi madi ka P30 go tswa kwa go P300 go ya kwa go P330 . Rre Moje a re madi a seshabo le one a okeditswe ka P30 go tswa mo go P120 go ya kwa go P150, fa a sesole o ne a okeditswe ka P60 go tswa kwa go P390 go nna P450. O ne gape a gakolola bagodi gore ba ba tshotsweng ka 1950 ba ka ikopanya le poso e e gaufi le bone go ikwadisa ka dingwaga tsa bone di setse di lekane go amogela. O ba tlhaloseditse fa puso e tsere tshwetso ya gore bagodi ba boOmang ba bone ba sa supeng letsatsi le kgwedi ya matsalo ba tlaa lekana fela go tsaya madi a bagodi ka kgwedi ya Phalane a rogwa ngwaga le ngwaga. Ka jalo o ne a ba rotloetsa go ikwadisa Lwetse a ya fifing. O ne a tlhalosa fa ‘ke a tshela’ a dirwa ga bedi mo ngwageng; morago ga dikgwedi tse thataro e seng tse tharo jaaka go ne go dirwa pele. O ne a ba tlhalosetsa fa a tlaa tla ka Sedimonthole go tla go ba ikanisetsa ‘ke a tshela’ e le sesupo sa gore bagodi ba ba amogelelwang ke bana kana masika ba sa ntse ba tshela. Rre Moje o ne a ba tlhalosetsa fa batho ba ba amogelelwang ke bana kana masika e le bagodi ba ba sa kgoneng go tsamaya, ba-na-le bogole le ba-lwala tlhaloganyo. Bagodi ba ne ba tlhalosa fa ba itumelela mmaposo Mme Serwalo Nkomo ka go bo a ba thusa ka lerato le bopelotelele. Mogodi Mme Seosenyeng Kebonang o ne a supa fa a tshwenngwa ke ka fa bagodi ba tshwarang mela ka teng. A re ba dirisa boOmang ka go ba tlhatlaganya ka go latelelana go ya ka fa ba gorogang mo posong ka teng. Mme Kebonang o ne a tlhalosa fa bangwe bagodi ba latsa boOmang ba bone kwa posong mme a re go borai ka ba felela ba latlhega kgotsa ba ka felela ba wetse mo diatleng tsa dirukutlhi. society 9 Ba dumalane go sutisa diphuthego Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba ba dumelane ka bongwe fela jwa pelo go sutisa malatsi a diphuthego tsa dikomiti dingwe tsa khansele, e le tsela nngwe ya go tlotla letsatsi le le setseng le beilwe la ditlhopho tsa monongwaga, tse di tlaa tshwarwang ka kgwedi ya Phalane e le masome a mabedi le bone. Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba ba dumalane jalo ka Laboraro mo phuthegong e e faphegileng ya khansele, morago ga gore mokwaledi wa khansele Rre Charles Amos a ba itsise fa go ya ka lenaneo la diphuthego tsa khansele le tsa dikomiti tsa kgaolo, diphuthego dingwe tsa dikomiti tsa khansele di rulaganyeditswe go tshwarwa mo malatsing a a gaufi thata le letsatsi la ditlhopho le morago ga tsone. Tumalano eo, e raya gore diphuthego tse go ya ka lenaneno la diphuthego tse di neng di tshwanetse go tshwarwa mo malatsing a se kae pele ga ditlhopho le morago ga tsone, di sutiseditswe kwa dibekeng tsa ntlha tsa kgwedi ya Phalane; mo go rayang gore dingwe di tlaa tshwarwa ka kgwedi ya Phalane e le supa le e le lesome le bosupa. Makhanselara ba ne ba atla mogopolo wa gore malatsi a diphuthego tsa dikomiti tse di amegang, a sutisetswe kwa morago, ba re seo ke tebelopele e e itumedisang fela thata. E ne e rile go le pele, Rre Amos a supa fa go sutisa malatsi ao e le go fa maloko a dikomiti tse di amegang sebaka sa go kgarametsa ditiro tsa dikomiti tseo, gore ba ba gorogang morago ga ditlhopho ba fitlhele go weditswe ka fa go neng go tshwanetse ka teng le go tsweledisa mo temeng eo. Mokwaledi a re e re ka jaana lenaneo leo la ngwaga la diphuthego tsa khansele le dikomiti tsa kgaolo le ne la fetisediwa kwa bukaneng ya Fa a latlhela tlhware legonnyana mo dintlheng dingwe tse di amanang le ditlhopho, molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba Rre Rapetse Mathumo o ne a itsise makhanselara fa bodiredi jo bo tlaa bong bo tlhophisa bo tlaa fiwa sebaka sa go tlhopha kgwedi ya Phalane e le lesome le boferabobedi. Molaodi o ne a supa fa mo bogautshwaneng go tla rutuntshiwa bao ba ba tlaa bong ba tlhophisa, e le tsela ya go iphutha metlhala nako e sale teng, go nna malala a laotswe ka letsatsi la ditlhopho. Modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, Rre City Kealotswe, ene a re keletso ke gore ba ba tlaa bong ba tlhophisa, ba tle ba dire tiro ya bone ka botswapelo, a bo a kopa le bao ba ba ipapaletsang ditlhopho gore ba seka ba dirisa mafoko a a fatlhang mo ipapatsong ya bone. A re seo se tlaa netefatsa fa e le ruri batho ba lefatshe leno e le badumedi le barata kagiso le puso ya batho ka batho, tse lefatshe leno le itsegeng ka tsone, a bo a tlatsa gape ka go gakolola ba ba ipapatsang ka go goagoetsa ka dikoloi, go dira jalo magareng ga dinako tsa botlhano mo mosong le borobabongwe bosigo. Rre Kealotswe, yo gape eleng mokhanselara wa kgaolwana ya Mapoka, a re seo se ka itsa go itaya tsebe batho ba bangwe, go balelwa le bana ba dikole fa ba inaakantse le dibuka ba bala kgotsa ba dira ditiro tsa sekole kwa malwapeng. BOKHUTLO politics 7 O itshetsa ka letlalo Mme mongwe wa Ditshegwane kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng a re go roka letlalo go mo inotse mo lehumeng. Mme Kefetogile Moatshe wa dingwaga tse di masome mararo le boferabobedi yo o tumileng ka kgwebo ya go roka matlalo ya Heaven’s Gate Leatherwork a re lerato la ngwao ka a godisitswe mo go yone le ne la mo gwetlha gore a inaakanye le kgwebo ya mofuta o, ka e bile a ne a itemogetse gore ga e dirwe ke bagwebi ka bontsi. O boletse fa a simolotse kgwebo ka 2016 ka thuso ya ba Nyeletso Lehuma ba ba neng ba mo abela motshine o o rokang, matlalo ga mmogo le tse dingwe tse di neng di tlhokega. Mme Moatshe a re e ne ya re a sena go fetsa dithuto tsa gagwe ka 1992 a utlwalela ka dithuto tsa mahala tse di neng di ntshitswe ke ba lephata la temo-thuo mme ya re ka 2006, a ikgolaganya le bone go ya go ithuta botsipa jwa go berekana le letlalo. Mme Moatshe a re ka letlalo o roka dilo di tshwana le mabante, dibeke, ditlhako le tse dingwe. Le fa go ntse jalo a re ka ntlha ya bolwetse o ne a patelesega go emisa go suga matlalo mme a simolola go reka le le sugetsweng ruri. A re le fa kgwebo ya gagwe e ise e goroge kwa a batlang teng, e a solofetsa, mme a re selo se se mo isang kwa tlase ke gore Ditshegwane o monnye ka jalo bareki ba boutsana. A re Batswana ka bontsi ga ba ise ba lemoge boleng jwa letlalo le tse dintle tse di dirwang ka lone. A re kgwetlho e nngwe e e santseng e aparetse kgwebo ya gagwe ke go tlhoka lefelo la madirelo ka a santse a direla mo lwapeng ga mmogo le go reka didirisiwa kgakala. Mme Moatshe o ne a kopa Batswana go inaakanya le ngwao le go mo rotloetsa ka go reka mo kgwebong gore ngwao e seka ya nyelela. BOKHUTLO education 4 Mothusa kgosi o tshwentswe ke tiriso ya motokwane Mothusa Kgosi wa Matsiloje, Kgosi Solomon Sekgopha o supile fa ba tshwentswe ke tiriso ya motokwane e e ileng magoletsa mo motseng oo. Mo potsolotsong le BOPA, Rre Sekgopha o tlhalositse fa barekisi ba motokwane ba dirisana le baagi ba Zimbabwe ba ba tlolang molelwane ka bokukuntshwane. O tlhalosa fa baagi ba Zimbabwe ba tlola molelwane ba sena teseletso ba bo ba neela ba motse motokwane. Rre Sekgopha o tlhalosa fa barekisi gape ba na le tirisano le baagi bangwe ba Francistown, ka ba reka teng, ba bo ba tla go rekisa mo motseng. Mothusa kgosi o tlhalosa fa ba Zimbabwe ba na le go tlola noka e e kgaoganyang mafatshe oo mabedi, mme ba tle go aga masaka le didiba mo letlhakoreng la Botswana. O tlhalositse fa terata e sule, mme se se neela dikgomo tsa Zimbabwe phatlha ya go fetela ka kwano, mme di felele di tisitse malwetse a tshwana le a tlhako le molomo. Rre Sekgopha o buile fa ba tlaa itshwaraganya le mapodisi le ba twantsho borukhutlhi mo motseng go tlhasela barekisi ba motokwane. O supile fa matshwenyego a mangwe e le a barekisi ba majalwa a Setswana mo malwapeng, ba ba sa obameleng melao le dinako tsa go rekisa bojalwa.. Rre Sekgopha o tlhalositse fa barekisi ba sa tlhokomele mafelo a bone le didirisiwa tse ba apayang bojalwa ka tsone, mme se se felele se bakile malwetse le dintsho. O tlhalosa fa ba setse ba tseetse bangwe diteseletso tsa go rekisa, ka one mabaka a. crime_law_and_justice 1 Dirisang thulaganyo ya seromamowa - kgosi Batswana ba kgothaditswe go dirisa thulaganyo ya seromamowa sa Botswana ya go bapolalana ga bontlhopheng gore ba kgone go itse ka maitlamo a diphathi tsa sepolotiki. E rile a bua mo potsolotsong, kgosi wa Gumare, Rre Diteko Salepito, a re thulaganyo eo e botlhokwa, ka jalo setshaba se tshwanetse go dirisa sebaka seo go reetsa bontlhopheng ba bone go tsamaelana le dikeletso tsa bone. Kgosi o akgoletse puso go ntsha thulaganyo eo, ka e bula setshaba matlho gore ba kgone go farologanya maitlamo a diphathi go na le jaaka mo lobakeng lo lo fetileng. O bile a rotloetsa setshaba, bogolo jang banana, go diragatsa boikarabelo jwa bone jwa go tlhopha, bogolo jang ka Tautona a beile letsatsi leo go nna la boitapoloso, gore mongwe le mongwe a gololesege go ya go latlhela tlhopho ya gagwe. A re e re ka tlhopho ya mongwe le mongwe e le botlhokwa mo go ageng puso ya batho ka batho, le go akarediwa ga ditlhabololo tsa metse, go botlhokwa gore Batswana ba dirise letsatsi leo ka le tla gangwe fela mo dingwageng tse tlhano. “Se se itumedisang ke gore polotiki ya gompieno e tlhabologile, e ntsha mananeo a diphathi mo setshabeng, go neela motlhophi sebaka sa go a sekaseka,” kgosi a tlhalosa. Le fa go ntse jalo, Kgosi o tlhagisitse batlhophi go nna kelotlhoko fa ba latlhela tlhopho ya bone jaaka ipapatso e ile magoletsa, go tila go okisiwa ka dimpho di akaretsa dikipa. A re o tshwenngwa ke bo ntlhopheng ba ba emelang ditlhopho go tla go ikhumisa mme ba ikgatholosa letlhoko la batlhophi, a bo a kopa Batswana go tlhopha baemedi ba ba nang le boleng e seng go tlhopha ka losika kgotsa botsala, ka jaana go dira jalo go ka isa tlase seriti sa polotiki ya lefatshe leno. O kgala ba ba ikwadisetsang kwa ba sa nneng teng, a tlhalosa fa seo e se ka fa molaong. Kgosi Salepito o ikuetse mo morafeng wa gagwe go tlhomamisa gore dikarata tse di tlhokafalang mo ditlhophong di mo tirisong ga mmogo le tsa batsadi ba bone, gore ba kgone go tlhopha. “Nna ke sale ke emetse letsatsi la ditlhopho gore ke tle go diragatsa Botswana jwa me. BOKHUTLO politics 7 'Nnang podi matseba ' Mapodisi a kopa setshaba go ela tlhoko dilalome tse di ikaeletseng go amoga batho dithoto tsa bone bogolo jang ka ele nako ya malatsi a botsalo jwa Morena. Ramapodise a Mochudi, Superintendent Olebile Sitale o buile se mo potsolotsong morago ga gore bomme bangwe ba amogiwe dithoto tsa bone ke dilalome ba sena go pagama koloi nngwe kwa mapalamelong a Taung kwa Gaborone. Superintendent Sitale a re ba amogetse dikgang tsa go thukuthiwa ga bapagami go tswa kwa Taung mme go direlwa tiro eo mo sekgweng se se bapileng le motse wa Bokaa. A re mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le botlhano o thukuthilwe ke borre bangwe bosheng morago ga go palama koloi ya modiro wa Corolla go tswa Gaborone kwa mapalamelong a Taung mme yare ba lebile Bokaa ba tsena ka ene mo sekgweng ba mo tseela madi, megala ya letheka le dilotlolo tsa koloi. Ramapodisi a re go borai fela thata gore o le mme o bo o palama koloi go le borre fela mo teng kwa ntle ga e le gore o itse gore ke bomang e bile ba tswa kae. Supt Sitale a re mo tiragalong e nngwe, mme mongwe yo o neng a ya ntlheng ya bokone o ne a palama koloi nngwe e ntse e le ya modiro wa Corolla mme ya re e lebile Bokaa le yone ya tsena mo sekgweng ka ene mme ba mo thukutha madi le megala ya letheka. A re mme yoo wa letso la Zimbabwe o ne a tswa kwa Aferika Borwa mme a welwa ke seru seo a le mo mosepeleng go ya bokone jwa lefatshe leno. O kopile setshaba go nna podi matseba mo dilalomeng tseo le go bega dipelaelo dipe tse di ka thusang go tshwara borre bao. Supt Sitale o kopile bapalami ba dikoloi go nna ba tsaya dinomoro tsa dikoloi tse ba di palamang gonne seo se ka thusa go latedisa motlhala wa koloi eo fa go ka nna le mathata mo tseleng kana sengwe sa ba diragalela. Mo go tse dingwe, mapodisi a tlhotlhomisa kgang e mo go yone mme mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano wa kgotla ya Makgophane mo Mochudi a latlhetseng ngwana mo ntlwaneng ya boitiketso. Supt Sitale a re mme yoo o robaditswe kwa sepateleng sa Deborah Retief Memorial gone mo Mochudi mme o tla lebisiwa molato wa go fitlha tsholo. Supt Sitale a re ngwana yoo, yo go tlhomamisetsweng a tlhokafetse o bonwe ke mongwe a ile go tlhola gore a ga go a senngwa mo lwapeng leo ka beng ba lone ba ile masimo. O kopile setshaba go nna ba lotlela matlwana a boitiketso go fema seemo se se tshwanang le seo. crime_law_and_justice 1 Banni ba lela ka seemo sa kokelwana -Banni ba Shadishadi kwa kgaolong ya Kweneng ba kopile gore kokelwana ya motse oo e godisiwe. Kopo e, e dule mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mogokaganyi wa ditlhabololo, Mme Tshepiso Setlhare. Mongwe wa banni, Rre Samuel Gaogape, a re kokelwana e nnye ebile e tlhaela ditlamelo jaaka fa batho ba ka nnang teng ba letile go tsena kwa bongakeng. O ngongoregile gape gore ntlwana ya tlhatlhobo ga e tswalege lebati mme seo se dira gore molwetse a seka a nna le sephiri. Rre Gaogape a re ka jaana kokelwana e etelwa ke balwetse ba le bantsi, e tshwanetse go nna le ditlamelo tse di lebaneng. O tlhalositse gore ntlo ya mooki e e gaufi le kokelwana e makgasa, selo se se pateleditseng mooki go hirisa kgakala le kokelwana. A re seemo se, se a tshwenya ka gore fa go na le diemo tse di tlhokang thuso ya potlako ga ba kgone go di bona ka mooki a nna kgakala. Mme Kagotsame Kefurilwe ene o kopile gore sekole se segolwane sa Macheng se tlhabololwe se nne le mophato wa bone le botlhano. O tlhalositse gore bana ba bone ga ba fetsa lokwalo la boraro ba dumelelwa kwa dikoleng tse di kgakala mme seo se tlhoka madi a mantsi. A re le fa gona le diphuthego kwa dikoleng, ga go motlhofo mo batsading gore ba ka ya go emela bana ba bone ka go le kgakala. A re motsadi mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le seabe mo thutong ya ngwana wa gagwe ka jalo sekgala se seleele se ba itsa go diragatsa maikarabelo a bone. Mme Setlhare o tlhaloseditse banni fa ditlhabololo di tsaya lebaka ka gore madi a a tlhaela. O gakolotse morafe go ikopanya le lephata la botsogo le boitekanelo gore seemo sa kokelwana se baakanngwe ka bofefo. A re ntlo ya mooki e tlaa tsenngwa mo lenaneong la Ipelegeng gore e baakanngwe ka lone ka madi a teng a tswa ka bonako gona le madi a mangwe a ditlhabololo. O tlhalositse gore ba tlaa dira ditshekatsheko go bona gore ntlo eo e ka baakanngwa jang. Mme Setlhare o solofeditse gore o tlaa fetisetsa kopo kwa bagolwaneng ba ba maleba ba thuto gore sekole sa Macheng se okediwe mephato. A re ke boammaruri bana ga ba a tshwanela go dumelelwa kwa dikoleng tse di kgalala le metse ya bone, ka jalo seemo se, ba tlaa tshwanelwa ke go se baakanya ka bonako ka banni ba tswa kgakala ba ngongorega ka sone. Mme Setlhare o kopile banni gore banne pelotelele ka go se motlhofo gore ditlhabololo di ka diragala mo sebakeng se sekhutshwane. BOKHUTLO education 4 Banni ga ba akole mananeo Banni ba kgotla ya Herero kwa Mahalapye, ba re e re ntswa mmuso o dirile mananeo a a ka tokafatsang matshelo a Batswana jaaka lenaneo la batlhoki, lenaneo la LIMID le la Ipelegeng, sebe sa phiri Batswana ba kgoreletswa go akola mananeo ao ke badirelapuso ba go lebegang ba itsapela go thusa batho jaaka ba laetswe. Ba boleletse mopalamente wa bone Rre Joseph Molefhe mo phuthegong ya kgotla gore batho ba le bantsi ba e leng batlhoki mo Mahalapye ba rontshiwa tshwanelo ya go akola dithuso tsa mmuso di tshwana dijo tsa mophako, dihutshane tse di neelwang batho ka lenaneo la LIMID le go tlhoka go hirwa ka dipalo tse dintsi mo lenaneong la Ipelegeng. Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolwana ya Mahalapye Legare Mme Eva Dipogiso, o boleletse mopalamente gore e re ntswa dikomiti tsa ditlhabololo e le tsone di neilweng boikarabelo jwa go tsamaisa ditiro tsa metse ya magae le go sekaseka Batswana ba e leng batlhoki, o swabisiwa ke badiri ba lephata la boipelego ba e yareng ba neetswe maina a batho ba e leng batlhoki ba ganane le tshekatsheko ya bone ntswa batho ba go nna jalo go sena se ba itshetsang ka sone. Mme Dipogiso o kopile mopalamente go kgothakgotha badiri ba khansele ya kgaolo potlana ya Mahalapye, segolo jang ba lephata la boipelego le ba ba tsamaisang lenaneo la Ipelegeng go seka seka go oketsa dipalo tsa badiri ba Ipelegeng mo kgaolwaneng ya Mahalapye Legare ka jaana kgaolwana eo e na le dikgotlana tse thataro e bong Herero, Borotsi, Konyana,Mahalapye Bophirima, Dilaene 1 le Dilaene 2 tse nako le nako di letelelwang go thapa badiri ba Ipelegeng ba le 141. Mabapi le gore badirelapuso ba ba tlogelang tiro ka bogodi jaanong ba simile lenaneo la Ipelegeng kwa go intshiwang bodutu teng, Rre Lucas Kahuku o tlhalositse fa go tshelegela ka dipalo tse dintsi ga badirelapuso ba ba neng ba duelwa ka letsatsi go bakwa ke go neelwa dituelo tse di kwa tlase tse e ka reng ba sena go tlogela tiro ba kgona go jesa ba malwapa a bone. Mongwe wa dibui mo phuthegong eo, e ne e le Rre Joseph Leswenya yo a neng a kopa Mmuso go dira molao o tlaa tseelang banana ba ba sa tlhokomeleng batsadi ba bone dikgato ntswa ba bereka le bao ba ba tsweletseng ka go tshola bana, mme morago ba ba tlogele le batsadi ntswa ba sa kgone go ba tlhokomela. Rre Leswenya o rile e re ntswa banana bangwe ba kgona go tlhokomela batsadi ka jaana ba bereka. E bile bangwe ba bone ba tsaya madi a dikotlo tsa bana kwa makgotleng a ditsheko, jaanong bangwe ba bone ba ikaegile ka dijo tsa mophako. BOKHUTLO society 9 Dintsa di tlhorontsha barui Barui mo Hukuntsi ba lela sa khuranyo ya meno ka dintsa tse di tlhasetseng leruo bogolo jang dipudi. Barui ba re dintsa tsa mothale o dingwe tsa tsone di nna mo nageng mme e re dipudi di le ko phulong di di tlhasele mme di di bolae. Ba re se se ngopolang pelo ke gore dintsa tse di latela dipudi le mo masakeng bosigo go robetswe mme di tsenelele dipudi gammogo le dinku mo masakeng di di bolae. Ba re sebe sa phiri ke gore dintsa tse lefa di go senyeditse beng ba tsone ba tshabelelwa ke go di itatola mme se e nne poelo morago ka lefa o ka bolaya ntsa ya teng go tlhoka mosola ka e a bo e go senyeditse. Mongwe wa ba ba wetsweng ke seru bosheng Chistas Letlotlo a re mo bekeng e e fitileng dintsa di ne tsa tlhasela dipudi tsa gagwe dile mo lesakeng mme tsa bolaya dipudi dile thata, tsa gobatsa di le nne . A re morago ga tiragalo e o ne a hudusetsa tse di setseng mo jarateng e a nnang mo go yone. A re o lekile go tsaya dintsa tseo ka motlhala ka tumelo ya gore motlhala wa tsone o tla mo gorotsha kwa go beng ba tsone mme maiteko a gagwe a itaya se fololetse ka motlhala wa tsone o ne wa ya le naga. O supile fa seo se mo lemotshitse fa dintsa tse di nna fela mo nageng mme di tshela ka go tsoma dipudi. Rre Ompatile Moswang (morui) a re dintsa tsa mohuta o, tse a tlhalositseng fa di sa tlhokomelwe ke beng ba tsone di tlhakanye le dibatana di akaretsa bo phokoje mo go bolaeng leruo le a reng ke lone le ba itsheegile thata ka lone. O tlhalositse fa dintsa tse di ba okeletsa lehuma ebile di tla a ba sia ba iphotlhere.A re ngogola di ne tsa tlhasela tsa bo tsa bolaya dihutshane tsa gagwe di le lesome(10) mme tsa gobatsa di le nne(4). A re fa e sale tiragalo eo o bonye go le botlhokwa e bile go ka motswa thuso go golegela nngwe ya dintsa tsa gagwe fa lesakeng la dipodi gore e re fa di ka mo tshoganyetsa bosigo di tshabe ntsa eo le gore e mo tsose bosigo fa di tlhasetse. Rre Ompatile a re lefa go ntse jalo leano la gagwe le mmerekela bosigo fela mme motshegare fa dipudi di ile phulong di tlhaselwa ke dintsa gammogo le bo phokoje. A re go utlwisa botlhoko ka fa dibatana di go senyeditse di tshwana bo phokoje go sena thuso epe e motho a e bonang go ba lephata la diphologolo le Bojanala ntshwa ele bone ba ba tlhokometseng diphologolo. Le fa go ntse jalo Rre Ompatile o kopile beng ba dintsa go di golega go itsa diphapang fa gare ga bone,o bile gape a gakolola barui go ikgapha mo go diriseng ditlhobolo fa gare ga motse ba re ba bolaya dintsa tse di ba tlhorontshang ka go ka baya matshelo a batho mo diphatseng. society 9 Monna a tlhokafala mo kotsing ya tsela Mapodisi a Werda kwa kgaolong ya Kgalagadi a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe a tlhokafetseng morago ga gore koloi e a neng a tsamaya ka yone e thulane le kolotsana ya ditonki gaufi le Makopong bosheng. Mookamela mapodisi a Werda, Superintendent Mompoloki Ramatsia, a re monna wa dingwaga tse di fa gare ga masome a marataro go ya kwa go tse masome a supa o ne a kgweetsa koloi ya modiro wa Dyna mme o ne a tswa Tsabong a ya Kanye. O tlhalositse go re koloi e ne e pegile batho ba le bane ka palo go balelwa le mokgweetsi. A re taselebomo ya kolotsana ya ditonki e ne ya tsena mo koloing eo mme ya gobatsa monna yoo mo tlhogong. A re ba bongaka kwa kokelong ya Tsabong ba ne ba tlhomamisa fa rre yoo a setse a tlhokafetse. Superintendent Ramatsia a re serepa se mo setsidifatsing kwa kokelong ya Princess Marina go tlhatlhojwa ke dingaka fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse. A re moswi o tlholega kwa kgotleng ya Mahikana kwa Kanye mme ba masika ba setse ba itsisitswe. Mookamela mapodisi a Werda a re go belaesega fa kolotsana ya ditonki e ne e kgweediwa ke bana ba ba neng ba inaya naga morago ga kotsi ee neng gape ya bolaya tonki e le nngwe. Superintendent Ramatsia o ne a gakolola bakgweetsi go ela tlhoko dikolotsana tsa mofuta o ka nako tsotlhe bogolo jang kwa metseng ya Makopong, Werda le Kokotsha ka go lemogilwe fa banni ba metse eo ba di dirisa go ya merakeng.. crime_law_and_justice 1 Dithuto tsa maranyane di botlhokwa Mothusa molaodi wa khansele-potlana ya Maun, Rre Ramogaupi Gaborekwe o lebogetse puso go bo e beile thuto kwa pele ga dilo tsotlhe mo lefatsheng leno. Rre Gaborekwe o ne a bua kwa moletlong wa dialogane tsa dithuto tsa boranyane jwa ICT tse di neng di tlhatlhelelwa ke ba motlobo wa dibuka mo Maun ka Labotlhano. O ne a lebogela dialogane tseo go bo ba kgonne go dirisa sebaka se ba se filweng go ithuta go fitlhelela ba wetsa dithuto tsa bone, a ba kopa go rotloetsa bangwe ka bone ba ba iseng ba bone sebaka go ya dithutong tseo go tla go ithuta le bone. O tlhalositse fa thuto e le lengwe la matshego a a ka dirisiwang ke batho go itlhotlhora lehuma kana go tlhabolola matshelo a bone. “Thuto ke selo se se ka re thusang go tswelela mo matshelong a rona ka go farologana ka gore fa o na le kitso kana o rutegile mo sengweng e kgona go go thusa gongwe le gongwe,” a tlhalosa. Mothusa mogokaganyi wa tsa bolwetse jwa HIV/AIDS wa khansele-potlana ya Maun, Mme Nametso Sebitla o tlhalositse fa go tlhoka kitso le botsipa di kgona go dira gore motho a fetwe ke menyetla. O bile a tlhalosa fa maranyane a le botlhokwa ka mo malatsing a no motho a kgona go dira dithuto dingwe le dingwe mo maranyaneng a inthanete a le mo lapeng go na le go re a ye sekoleng. O ne gape a tlhalosa fa go nna le kitso ka tsa maranyane go ka thusa le bone bagwebi go reka le go bapatsa dithoto le ditirelo tsa bone motlhofo ka di bonwa ke batho ba le bantsi mo nakong e khutshwane. Mongwe wa dialogane, Rre Thatayaone Seboko o ne a leboga ba metlobo ya dibuka go ba fa sebaka sa go ithuta ka tsa maranyane ao, a tlhalosa fa bontsi jwa bone ba ne ba sa itse go dirisa dibalamakgolo mme mo nakong ya gompieno ba itse go di dirisa. Rre Seboko o ne a tlhalosa fa ditlhaeletsanyo ka tsa maranyane a inthanete di tshwana le di-email di ne di pala gore ba di ipulele kwa ditirong ntateng ya gone go tlhoka go itse ka tsa maranyane ao. O ne a tlhalosa fa jaanong ba itse go dirisa Microsoft Office Word, Excel, PowerPoint le tse dingwe tse di bonwang mo dibalamakgolong. Mogolwane wa motlobo wa dibuka mo Maun, Mme Hildah Bawani o tlhalositse fa lenaneo leo la dithuto tsa maranyane le le simolodisitsweng ke lephata la tsa tlhabololo banana, metshameko le ngwao ka 2010 le setse le alositse baithuti ba le lekgolo le masome mararo le boferabobedi mo Maun. Mme Bawani o ne a tlhalosa fa e le ba metlobo ya dibuka ba ne ba bona go le botlhokwa gore batho ba rutuntshiwe ka botsipa kana boitseanape jwa go dirisa dibalamakgolo. education 4 €˜Emisang go nyenya puo ya Setswana’ Kgosana wa kgotla ya Boseja mo Mahalapye, Kgosi Letsogile Toteng a re ga a jesiwe diwelang ke karolo nngwe ya setshaba e e nyenyang puo ya mo gae. E rile a bua kwa moletlong wa ngwao bosheng o o neng o rulagantswe ke ba sekole sa ithutelo tiro tsa diatla sa Madiba brigade mo Mahalapye, Kgosi Toteng a tlhalosa fa puo e le pinagare ya ngwao, ka jalo e tshwanetse ya tlotlomadiwa ka dinako tsotlhe. A re go a makatsa go bona Batswana bangwe ba le motlotlo ka go bua diteme tse di adimilweng mo mafatsheng a mangwe, mme ba nyefola tsa mo gae. O ne a supa fa go tshwenya go bona ngwana wa Motswana a palelwa ke go rulaganya seele se se feletseng ka puo ya gagabo kgotsa ya Setswana. Kgosi Toteng a re banana ba malatsi a gompieno ba bua puo ya Setswana ba e kopanya le ya Sekgoa e seng ka gore ba di itse tsotlhe, e le fela gore ba sokola go dirisa puo ya mo gae ka botlalo. Le fa go ntse jalo, Kgosi Toteng o akgotse Madiba brigade ka go lemoga seo, mme ba dira maiteko a go gakolola basha go lemoga se ba leng sone. A re o dumela gore tsotlhe tse di neng di rulagantswe di akaretsa tsamaiso ya tseo ya Setswana le metshameko di tlaa bula bana ba sekole seo matlho gore ba kgone go somarela ngwao. Kgosi Toteng a re bogologolo bana ba ne ba rutwa go tlotla mogolo mongwe le mongwe e seng fela batsadi ba bone, ka jalo ba ne ba felela ba ikgapha mo go direng sepe se se duleng mo tseleng ka go itse gore matlho a setshaba a ba lebile. “E ne e re fa ngwana wa mosimane a tswa letsomong, a tla a bolaile lesogo gone go se molato gore o ka le abela motsadi ope fela yo o gaufi le ene.” O ne a supa gore tsamaiso ya gore ngwana ke wa mongwe le mongwe e ne e thusa le go gomotsa batsadi ba ba timilweng thari ka gore le bone ba ne ba kgona go kgalema le go laola bana. O supile fa tsamaiso eo e nyeletse e bile bana ba sa tlotle bagolo ba e seng batsadi ba bone. Kgosi Toteng o ne a supa gore ngwao ga se selo se se elwang sekoleng, e ithutwa mo bagolong, ka jalo fa bagolo ba latlha ngwao bana ba felela ba latlhegelwa ke tsela ka go sena sefalana sa dikitso se ba ka anyang mo go sone. arts_culture_entertainment_and_media 0 Matlakala a ka dira madi Matlakala a ka dira madi, a tlhamela batho ditiro a bo a thusa go itsa kgotlelesego ya tikologo le loapi. Se se builwe mo kabo dietseleng ya khansele potlana ya Kgalagadi mo Tsabong fa e ne e lemoga botswerere jo banni ba bo dirang ka matlakala go dira didirisiwa kana mekgabisa ka matlakala. Mogolwane go tswa kwa khanseleng-potlana ya Kgalagadi Rre Kaone Thibelang o tlhalositse fa dikgaisanyo tseo di ne di diretswe go rotloetsa metse go somarela tikologo. Rre Thibelang o supile fa dikgaisanyo di ne gape di direletswe go itshekatsheka, go leba ka fa kgaolo e dirileng ka teng go phepafatsa tikologo, a supa jalo gore khansele e ne e tsile go rekisetsa banni mogopolo wa gore matlakala a ka isa motho kwa khumong e seng gore matlakala a ye thothobolong ka go ba atswa ka ditlankana le lemmenyana. “Malatsi a, re tshela mo dipakeng tse matlakala a dirang madi, ka jalo re rotloetsa batho gore ba a dirisise go ikhumisa,” a tlhalosa. Mme Mmabotswana Mosupiemang o gateletse gore matlaka a kgona go dira madi go tswa fela gore ke matlakala a mofuta mang, a supa gore dipampiri di tshwana le pampiriri ya dikgang di kgona go dira sedirisiwa sa tlhwatlhwa. Mme Mosupiemang o supile gore matlakala a isa boleng jwa tikologo kwa tlase mme e bile a ka tsenya malwetse, a ka gobatsa batho le diphologolo, a kgotlela loapi, a ka nna le monko o o sa siamang, ka jalo go botlhokwa gore a dirisiwe gape. Kgosi David Toto II ene o tlhalositse gore go botlhokwa go bona gore kwa merakeng go phepa gore baji-bareki ba tle go akola nama e e phepa e e sa kgotlelwang ke gore dikgomo di ja leswe mo tikologong. O ne a supa gore go tshwanetse jaanong ga patelesega ka fa molaong gore go agwe matlwana a boitiketso kwa merakeng go itsa gore tikologo e kgotlelesege. Mogolwane wa tsa pabalesego ya tsa botsogo jwa setshaba go tswa khanseleng ya Kgalagadi Rre Patrick Keongadile o tlhalositse gore dikgaisanyo tsa bophepa jwa tikologo di tlaa dirwa mo dikgaolong fela lefatshe ka bophara di bo di felela foo ka mabaka a gore ditsompelo di a tlhaela. Rre Keongadile a re, “Matlakala ke khumo a re seka ra tlogela khumo e gasagasame mo.” O ne a kopa jalo gore go nne le popagano le tomagano gore matlakala a dirisiwe ka fa go tshwanetseng ka teng. Mokhanselara wa Omaweneno/ Kisa/Maralaleng Rre Ronald Baitsewe e bile e le modulasetilo wa komiti ya thuto le botsogo kwa khanseleng o ne a supa gore go borai go tshuba matlakala. A re ene o eletsa go bona go dirilwe sekhakha se se thata, se se bokete se motho a kgonang go se dirisa gantsi se sa phunyege. A re e re lentswa sekhakha se le borai, ga se a tshwanela go ntshiwa mo tirisong ka madirelo a dikhakha a tlaa tswalwa mme batho ba latlhegelwe ke ditiro. O rotloeditse banni go reka dibeke go phuthela dilwana tsa bone go na le go reka sekhakha se se kgagogang ka pela mme e bile se le borai mo leruong, diphologolo tsa naga le bone batho tota. Metse e e kgatlhileng leitlho la batlhatlhobi jwa tikologo e ne ya abelwa dietsele. Khuis, Gakhibane le Makopong e ne ya itlhoma kwa pele ya nna dikgantshwane tsa metse e e phepa fa e tshwantshanngwa le metse e e lekanang le yone. Mo go diriseng matlakala go bopa kana go dira dithoto, Mme Helen Moagele o ne a tsabakela a ikgapela dietsele tse dintsi go feta ba ba dirisitseng matlakala a dipampiri le a mangwe. Rre Kaone Dipheko ya nna ene monana yo o dirisitseng matlakala a mabotlele le digalase go dira mekgabisa le didirisiwa tse di mosola. Mme Mary Bojang o ne a ikgapela maemo a ntlha mo go diriseng sekhakha go dira tse di molemo. Mme Kelebogile Thumpe ene o ne a dirile ka bokgabane mo go diriseng matlakala a mangwe go dira didirisiwa tse di mosola. economy_business_and_finance 3 Makhanselara ga ba je diwelang Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba ba re dilo dingwe tse ba boletseng fa di sa ba jese diwelang. E rile ba akgela mo pegong ya tekodiso ya kgaolo ka modulasetilo wa khansele, Mokhanselara Florah Mpetsane mo phuthegong ya khansele kwa Masunga maabane ba supa fa ba angwa ke tiego ya go diragadiwa ga ditlhabololo le tlhaelo ya ditlamelo. Ba supile fa ba le ’bete se molangwana ka go bo pego ya ga modulasetilo e sa akaretsa dipego tsa ditlhabololo dingwe tse ba neng ba solofetse fa ba tlaa lekodisiwa ka tsone. Makhanselara ba boletse fa ba ne ba solofetse fa pego e tlaa ba baya mo dinakong tebang le ka fa tsela e ba neng ba ikgantsha ka yone ya Tshesebe-Masunga e tsweletseng ka teng. Ba re ba ne ba solofetse gore mo nakong eno, go tlaa bo go dirilwe go le gontsi mo tseleng ya eo, mme ba swabile nko go feta molomo ka jaana go lebega go sena sepe se se dirwang go fitlha jaana. Gape ba re e re ka jaana go ne go solofetswe gore tsela eo e wediwe ka 2019, ba na le dipelaelo tsa gore seo ga sena go kgonagala. Go ntse go le foo, makhanselara ba ne ba kopa gore ditsela tsa kgaolo tse di lomaganyang metse le tse di mo teng ga metse di baakanngwe ka jaana di le mo seemong se e seng sone, ba tlatsa ka go re ditsela di tshwanetse tsa tshelwa lekgarapana, go na le gore di bo di nna di gopiwa fela ka jaana di felela di fetoga dinoka. Mokhanselara wa Tsamaya, Rre Isaac Pelaelo o ne a re go dumalanwe gore ditsela tse di yang kwa masimo di nne di gopiwa, mme nako kgolo ke eno, ga go sepe se se dirwang. Mo go tse dingwe, makhanselara ba ne gape ba supa tlhobaelo mabapi le tlhaelo ya dipeo, ba kaya fa dipeo dingwe di ise di goroge le ntswa batho ba ne ba ikaeletse go sola molemo dipula tsa ntlha, ka jaana mo metlheng eno go lebega dipula di le boutsana. Le fa mokhanselara ba ngongoregela dilo dingwe, ba bangwe ba ne ba lebogela ditlamelo le ditlhabololo dingwe mo metseng ya bone, ba bo ba iteela legofi tiro e mapodisi ba tsweletseng ka go e dira ya go lwantsha borukutlhi. Mokhanselara wa Moroka, Rre Egbert Tshandu o ne a tlhalosa fa mapodisi a dira namane e tona ya tiro, a bolela fa e bile kwa Moroka borukuthi bo wetse tlase. Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Kalakamati, Rre Zibani Mbalambi o ne a re go botlhokwa gore setshaba se thusane le mapodisi mo maitekong a go lwantsha borukuthi. politics 7 UDC e a ipapatsa Batswana ba kopilwe go fetola maikutlo a bone mme ba tlhokomologe phathi e e busang ya Botswana Democratic (BDP), ba tlhophe lekgotla la diphathi tse tharo e bong Umbrella for Democratic Change (UDC) mo ditlhophong tse di tlang tsa 2014. Go kopile jalo dibui kwa phuthegong ya phatlalatsa ya Botswana People’s Party kwa Nlapkhwane, mo kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima mo bosheng. Dibui di tlhalositse fa BDP e paletswe ke go golola Batswana mo mathateng a ba leng mo go one, mo dingwageng tse di masome a mane le bosupa e ntse e busa lefatshe leno, ba re diphathi tsa BPP, BNF le ya BMD, tse di ka fa tlase ga UDC ke tsone fela tse di ikemiseditseng go lwela ditshwanelo tsa Batswana le go ba fa ditlamelo tse di tshwanetseng. Bagolwane bao ba diphathi, ba supile puso ka monwana, ba re e paletswe ke go dira maiteko mangwe a go nyeletsa lehuma mo bathong. Ba tlhalositse fa lenaneo la nyeletso lehuma le dirisa madi a a seng kana ka sepe fa go twe le isitswe kwa bathong. Ba re BDP e feletswe ke megopolo ya go thusa Batswana, ba tlhalosa fa banni ba kgaolo ya Tati Bophirima ba tswa kgakala ba lela ka ditsela tse di sa tsamaegeng mme go se nko e tswang lemina. Mongwe wa dibui, Rre Richard Gudu, o ne a re go busa ka lobaka lo loleele ga BDP, ke gone mo go dirang gore e nne diphatsa ka e setse e itlhokomolosa dilelo tsa Batswana. Rre Gudu a re go tlhaela ga lefatshe mo kgaolong ya Bokone Btlhaba go a tshwenya fela thata, a tlhalosa fa mathata ao a bakwa ke go bo kgaolo eo e dikaganyeditswe ke dipolasi tsa beng, tse bontsi jwa tsone e leng tsa batswakwa. A re fa bone e le ba UDC, ba ka fiwa sebaka sa go busa lefatshe leno, ba ya go itebagabanya le mathata otlhe a a amang Batswana, segolo bogolo ba itebaganya le kgang ya thaelo ya lefatshe le go tlhomamisa gore Batswana ga ba jewe ntsoma fa ba amogwa masimo a bone go sutela ditlhabololo tse di dirwang. Rre Gudu o tsweletse a bolela fa go swabisa go bona bokamoso jwa bana ba lefatshe leno bo setse bo ikaegile mo Ipelegeng, a tlatsa ka gore go a gakgamatsa gore bana ba Batswana ba ba dirileng dithuto tse di fa godingwana ba bo ba gobeya mo mebeleng ba lebanwe ke mathata a matona a go tlhoka mebereko le ntswa lefatshe leno le humile e bile itsholelo ya lone e melediwa mathe ke mafatshe a mangwe. A re e re le ntswa khumo ya lefatshe leno e le teng, sebe sa phiri ke go tlhaela ga megopolo ya go e tsamaisa le go e laola. politics 7 Letsatsi la ditlhopho le siametse botlhe Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o lekodisitse morafe wa Ramokgonami mo kgaolong ya Legare gore o na le tumelo ya gore ga go ope yo o tlaa kgoreletsegang go dira tshwanelo ya gagwe ya go tlhopha. O buile jalo mo phuthegong ya kgotla ka Mosupologo. Tautona Masisi a re ditlhopho tsa setshaba di tlaa tshwara ka Laboraro, Phalane a le masome mabedi le boraro. O tlhalosa gore letsatsi la ditlhopho le beilwe morago ga therisanyo le ba ba filweng boikarabelo jwa go tsamaisa ditlhopho e bile go setswe morago tsamaiso ya molao. Ka jalo, Tautona Dr Masisi a re o dumela gore botlhe ba ba ikwadisitseng ba tlaa nna le sebaka sa go tlhopha ba sa kgorelediwe ke sepe. “Ke dumela gore le ba ditumelo ka go farologana ga ba na go kgoreletsega go tsaya karolo mo ditlhophong.” O ne a tlhalosa gore letsatsi la dilthopho le a mabedi a a latellang e tlaa bo e le malatsi a boitapoloso a a duelelwang. Dr Masisi a re o bonye go le botlhokwa go dira tsotlhe tse di ka kgontshang botlhe ba ba ikwadisitseng go nna le seabe mo go diragatseng puso ya batho ka batho ka go nna le seabe mo ditlhophong tse di tlaa dirisiwang go aga puso e ntsha. Lotlhe ba le ikwadisitseng, gololesegang, mme le tlhophe ka dipalo tse di kwa godimo. Ke solofela gore le tla tlhopha go le kagiso le dirisa tshwanelo ya lona,” ga bua Tautona Masisi. Tautona Masisi a re o itumeletse thata go bona sebaka sa go buisa batho ba Ramokgonami. “Ke la ntlha morago ga go tlhongwa Tautona ke tla go buisana le lona, ke leboga thata gore ke kgonne go bona sebaka sa go dira jalo,” ga tlhalosa Tautona Masisi. O lebogetse banni ba Ramokgonami go nna le seabe mo go nosetseng puso ya batho ka batho. E rile a itebaganya le dikgang tse di neng di tswa ka Kgosi Kesetse Ramatlakadibe le modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Motshegetsi Gaerongwe, Tautona Masisi o supile gore puso e itse ka tlhaelo ya metsi mo Ramokgonami go akarediwa le kgaolo yotlhe ya Sefhare/Ramokgonami. O supile gore maikaelelo a go tokafatsa seemo seo a tsweletse. O tsweletse ka go re kgaolo eo e tlaa fiwa metsi go tswa kwa mafaratlhatlheng a metsi a a kwa Mahalapye. Ka jalo a re tiro eo e tlaa tlhongwa kwa pele mo tshekatshekong e e tsweletseng ya lenaneo la ditlhabololo tsa setshaba. Tautona Masisi o dumalana le banni ba Ramokgonami ka botlhokwa jwa gore go agwe sekole sa bobedi se sebotlana mo motseng wa bone. A re sengwe se se botlhokwa go tsibogelwa ke gore bana bangwe ba tsamaya sekgala se setelele go latela sekole, seemo se se dirang gore ba babalelwe ke seemo sa loapi jaaka mogote o o feteletseng le go goroga ba lapile kwa sekoleng le kwa malwapeng. BOKHUTLO politics 7 VMSAC e lwantsha mogare Village Multi-Sectorial AIDS Committee (VMSAC) kwa kgaolong ya Ngami, e eme ka dinao go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS gammogo le kgokgontsho ya batho ba ba nang le mogare. Mogokaganyi wa HIV/ AIDS mo kgaolong ya Ngami, Rre Shathiso Daki e rile a bua mo thuto puisanong kwa motseng wa Chanoga bosheng, a tlhalosa gore le ntswa go tswa kgakala go buiwa ka HIV/AIDS lefatshe ka bophara, dipalo tsa batho ba ba latlhegelwang ke matshelo di ya magoletsa jalo puso e tsere tshwetso ya go tlhama dikomiti mo metseng ka go farologana, go akaretsa setshaba mo ntweng kgatlhanong le kanamo ya mogare le bolwetse jwa AIDS. Rre Daki a re komiti ya VMSAC e e akaretsang dikgosi tsa motse, badirelapuso, dikompone tse di ikemetseng ka nosi, dingaka tsa setso le banni ba motse e itebagantse le go lwantsha kanamo ya HIV/ AIDS gammogo le malwetse a mangwe a tlhakanelo dikobo. A re komiti e, e dirisa setshaba ka e le sone se itseng matshelo a batho le tse di bakang kanamo ya mogare mo metseng ya bone. Rre Daki o gateletse gore komiti e ka kgona maitlamo a yone a go ruta setshaba ka bodiphatsa jwa HIV/AIDS fela fa ba-tsaya karolo botlhe ba ka tshwaragana ba nna moono mongwe e bile ba dira tiro ka manontlhotlho. Fa a tswa la gagwe, kgosi ya Chanoga e bile e le modulasetilo wa komiti eo, Kgosi Oatleng Setlhodi a re komiti ya gagwe e eme ka dinao go lwantsha kanamo ya mogare le go fitlhelela maitlamo a lefatshe leno a gore e re ka 2016, go bo go sena dikgang dipe tse di sha tsa batho ba ba tsenwang ke mogare kgotsa ba tlhokafala ka ntata ya HIV/AIDS. Kgosi Setlhodi o tsweletse ka gore ba tshwentswe thata ke tiriso botlhaswa ya nnotagi mo motseng wa gagwe, a supa fa seemo se e le sone se se bakang koketsego ya mogare, mme a re ba leka ka tsotlhe go se laola ka go rutuntsha setshaba le bagwebi ba nnotagi ka bodiphatsa le ditlamorago tsa nnotagi mo matshelong a batho. Kgosi Setlhodi o phophotha komiti ya gagwe legetla ka o bolela fa go supega fa dithuto ka mogare wa HIV di tsweletse sentle gonne dipalo tsa batho ba ba itlhatlhobelang mogare di a oketsega. O kgothaditse borre go sa nne maoto a tshupa go tsaya ditshwetso ka botsogo jwa bone le ba malwapa a bone, mme a ba rotloetsa go dira loaro la borre ka le ka ba sireletsa mo go tsenweng ke malwetse a dikobo. BOKHUTLO health 6 Lenaneo la metsi kwa Molepolole le tsweletse Lenaneo la go gokela motlakase didiba tse tharo tsa Gaotlhobogwe le didiba tse thataro tsa Malwelwe le tsweletse sentle. Go ya ka kompone ya metsi ya Water Utilities Corporation (WUC) tiro e e setseng e dirilwe e ka atumela sephatlo sa lekgolo (45%). Mafoko a, a builwe ke mopalamente wa Molepolole Borwa kwa phuthego ya kgotla ko Gamodubu bosheng. Rre Kwelagobe a re tsholofelo ke gore ka kgwedi ya Sedimonthole monogwaga go bo go sa tlhole go na le tlhaelo ya metsi mo Molepolole. E ne ya re ba tsibogela mafoko a mopalamente, banni ba motse wa Gamodubu ba bo ba tletse tshakgalo thata ka ntlha ya letlhoko la metsi. Ba ne ba bua ba sa kgale mathe ganong ba re ga ba bone metsi ko ba beilweng teng. Ba re fa ba kopa ditlhaloso ko komponeng ya WUC, ba bolelelwa fa ba le kgakala thata le palo ya sekgala sa dikhilomithara tse di beilweng tsa makgolo a mabedi go ka gokelelwa metsi. Ba re se se ngomolang pelo le go feta ke gore ga gona dipompo tsa setshaba ko ba beilweng teng. Ba re seemo se se sa jeseng diwelang se, se dirile gore bana ba ye sekolong ba sa tlhapa mme se se dire gore ba fapaane le barutabana ba bone. Ba ne gape ba ngongoregela ditlhwatlhwa tsa go gokela metsi le motlakase tse ba reng di ko godimo fela thata.Fa a tsibogela dingongorego tsa bone mopalamente o ne a kaya fa e le boammaaruri gore ditlhwatlhwa tsa kgokelo ya metsi le motlhakase di ko godimo. Go digela maikutlo a bone gore ba wele makgwafo Rre Kwelagobe o ne a solofetsa go bitsa phuthego e mo go yone kompone ya WUC e tlaa ikarabelang mabapi le dingongorego tsa bone.Le fa gontse jalo o ne a gakolola banni ba motse gore ikwadisetso ditlhopho e gaufi mme ba ye go diragatsa tshwanelo ya bone ba ye go ikwadisa. O kaile fa ditlhopho di le botlhokwa mo pusong ya batho ka batho. O kopile batsadi gore ba rotloetse bana ba ba dingwaga tse di lesome le boferabobedi go ikwadisetsa ditlhopho. O weditse ka gore Batswana ba seka ba tseela ditlhopho ko tlase ka gore go supafetse fa mafatshe a a sa tlhopheng mebuso a tshelela mo dikgoberegong. BOKHUTLO politics 7 Medumo ya diletso e tshwenya morafe Banni ba motsana wa Kweneng kwa kgaolong ya Kweneng ba supile fa ba tshwenngwa ke seemo se se sa laolesegeng sa medumo ya diletso tsa marekisetso a majalwa mo ba go kayang fa go gakaditse seemo sa borukutlhi kwa motsaneng oo. Banni ba Kweneng ba ne ba bua jalo go lekodisa mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae Mme Botlogile Tshireletso mo phuthegong ya kgotla kwa bosheng. Mme Olebile Tlhalefang o supile fa medumo ya diletso kwa motsaneng oo e tlhokisa malwapa kagiso le seriti e bile e godisitse borukutlhi jo bo akaretsang dipolaano, bogodu jwa leruo, dintwa tsa malwapa magareng ga tse dingwe. Banni ba ne ba supa ka monwana mapodisi go bo ba sa rekegele go tlhomamisa kagiso le tolamo mo motseng, ba supa gore go le gantsi dipego tsa morafe go kopa thuso ya ba sepodise di seke di tswa tema, ntlha e dirang gore ba latlhegelwe ke tshepho mo bodireding joo. Mme Boni Mmualefhe ene o ne a kopa gore ba-na-le bogole ba akaretswe mo thulanyong ya go akola mananeo a tshwana la go apaya borotho ka thulaganyo ya Ipelegeng. Tona Tsireletso o ne a kopa malwapa go tsaya boikarabelo go thusa go aga setshaba ka go tsamaisa dilo ka tolamo go hema go godisa tshaba e sa laolesegeng e dira dilo ka tshokamo. “Ke tshwenngwa ke dikgang tsa tsamaiso ya malwapa mo go tsweletseng ka go gola mo gare ga tshaba ya lefatshe leno. Ke boikarabelo jwa rona re le batsadi go netefatsa go dira dilo ka fa mokgweng go hema gore bana ba seka ba kopa mekgwa go tla ba e dirisa kgatlhanong le rona re le setshaba, “ ga gakolola Mme Tshireletso. O supile fa puso e na le boikarabelo jwa go tlhabolola matshelo a setshaba le go tlhomamisa ditshwanelo tsa sone, a supa fa puso e ka seke ya tsaya maikarabeo a go tsamaisa malwapa, ka jalo a gwetlha morafe go tsaya boikarabelo. Tona Tshireletsi yo maikarabelo a gagwe gape a itebagantseng le thokomelo ya matshelo a batho ba dikgaolo tse di kgalaka le ditlamelo, o gateletse botlhokwa jwa go netefatsa fa mananeo a puso e thusang go tlhabolola matshelo a batho a ntsha maduo gore batho ba aloge go fokoletsa puso morwalo. A re go tlhoka go ntsha maduo ga mananeo go tshwenya thata ka jaana go supa gore batho ba amogela fela ba sena maitlamo a go atisa tse puso e thusang ka tsone. O tlhalositse fa batho ba feta 3 000 ba metse e e kgakala le ditlamelo ba thusitswe go bona diphatlha tsa ditiro mo pusong ka fa tlase ga lenaneo la Affirmative Action, le ka lone diphatlha tsa ditiro di gaisanelwang ke bana ba kgaolo eo kgatlhanong le khiro e go lejwang bokgoni ka bophara. O lebogetse go wediwa ga diofisi tsa kgotla ya Kweneng e le nngwe ya ditiro tse di neng di abilwe ka lenaneo la go tsosolosa itsholelo. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Puso e tlaa sekaseka mananeo Mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane a re puso e tshwere ka natla go sekaseka ka fa go ka tlhabololwang ka teng go abiwa ga mananeo a dithuso. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Ditshukudu bosheng, Mme Nnaniki Makwinja, a tlhalosa fa ditshekatsheko di tsweletse go betla tsela ya kafa mananeo a ka tokafadiwang ka teng go re batho ba kgone go bona dipoelo tse di nametsang. Mo go tse dingwe, Mme Makwinja, go gape e leng Mothusa tona wa Thuto go tswa kwa Moding, o ne a gakolola ka botlhokwa jwa go upolola dikgang tsa kgokgontsho ya bong e a tlhalosang fa gape e ka senyetsa bana bokamoso. O buile se fa a tsibogela matshwenyego a banni, mo go bone go le Mme Koolebale Lekone, yo o neng a kopa puso go tsenya leitlho mo tlhokomelong ya masimo ka mangwe a hupeditswe ke mohero ka ntata ya gore batho ba tabogile le mananeo a mangwe a puso. A re mhero wa mmabasete o setse o tshabisa bangwe temo ka jaana o apesitse masimo a bone, kgang e areng ba belaela e bakilwe ke dipeo tse ba di abelwang ke puso. “A seemo se tsibogelwe ka go abela balemi dichefi go thusa go bolaya mhero oo, o jaanong go lebega o ikadile le bontsi jwa masimo,” ga gakolola mme Lekone. Mangwe a matshwenyego a ga Mme Lekone e nnile gore a seemo sa go aba mananeo a puso se dirwe ka kelothoko, go hema seemo se mo go sone Batswana bangwe ba ikgatholositseng temo go siana le Ipelegeng. E re le ntswa banni bangwe ba lela ka go tlhoka dikoloi tse di rwalang setshaba kwa kgaolong eo, bontsi bo dumela fa tharabolo e ka nna tokafatso ya seemo sa ditsela, ka jaana maiteko a bangwe a phirimisitswe ke ditsela tse di sa siamang. Bangwe ba ne ba ntsha matshwenyego ka seemo sa borukutlhi. Rre Kgotlaetsile Lekone ene a re o dumela fa tharabololo ya seemo sa borukutlhi jo bo jesetsang morafe kgobedung e le mo go bone morafe. A re go tlhoka tshwaragano ya morafe le bogosi go betla methale e ka yone botlhokatsebe bo ka bepisiwang ka teng. Rre Lekone o ikuetse mo go mopalamente go netefatsa gore kemedi ya gagwe e nna le maduo, a tlatsa ka gore kgaolo eo e tswa kgakala e emetswe ke mapalamente a e leng matona mme ditlhabololo tsa kgaolo eo di saletse kwa morago. Modulasetilo wa komiti e tlhokomelelang balwetse kwa malwapeng, Mme Gobotsa Chere, o kopile gore bathugi ba lemogwe ka go fiwa diphaphatha jaaka badiri ba Ipelegeng, ka jaana le bone ba tshwere boikarabelo jwa go thusa mo kgodisong ya ngwana. E rile a ntsha la gagwe, mokhanselara wa kgaolo ya Mahetlwe/Ditshukudu, Rre Simon Maroane, a re go tlhokafala mapodisi aa direlang kwa Ditshukudu mme a kopa gape kgotla e tlhatlosiwe maemo, ntlha e a supang ba tshwere ka natla go netefatsa tharabololo ya yone. Le ene o kopile morafe le boeteledipele jwa motse go tshwaraganela twantsho borukutlhi le gone gore morafe o itshekatsheke le go elana tlhoko ka jaana dikgang tsa borukutlhi di thaega mo gare ga bone, mme ebile e le bone ba ka di rarabololang. politics 7 Go lwantsha HIVAIDS boikarabelo jwa botlhe Leloko la lekgotla la Chobe Enclave Community Trust (CECT), Rre Watson Mabuku, o kopile borre go ikaga ka maikaelelo a go fokotsa kanamo ya mogare wa HIV. Rre Mabuku o buile se kwa Mabele ka Labobedi kwa go neng go tshwerwe segopotso sa letsatsi la mafatshe-fatshe la HIVAIDS la kgaolo ya Chobe. Segopotso seo se ne gape se kopanye le go wetsa malatsi a lesome le borataro a go ema kgatlhanong le kgokgontsho e e amanang le bong. Rre Mabuku o tlhalositse fa mosola wa letsatsi leo e le go ipelela se lefatshe le se kgonneng mabapi le go lwantsha bolwetse joo le go supa kemo nokeng mo go botlhe ba ba amegileng. Rre Mabuku a re morafe le one o nnile le seabe se sentsi fela thata mo go tlhabantsheng seemo sa HIVAIDS. “Seabe sa rona re le morafe ke go gakololana ka gore mo malatsing a segompieno ga go sa tlhole go na le sephiri fa go tshwantshanngwa le malatsi a pele,’’ ga bua jalo Rre Mabuku. Fa a bua ka kgokgontsho ya bong, Rre Mabuku a re morafe o tshwanetse go ikemela ka dinao go lwantsha kgokgontsho. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa kgokgontsho e ile magoletsa mme e bile e le yone e bakang gore go felele go nna le kanamo e ntsi ya HIV. O ne a tlhalosa gore kgokgontsho ga e sa tlhole e ama bomme le bana fela ka gompieno go na le borre ba bantsi ba ba kgokgontshiwang ke bo mme e bile ba tlhabiwa ke ditlhong go ikuela, ka jalo a kgothatsa morafe go ema ka dinao go lwantsha kgokgontsho e. Mogolwane wa kokelwana ya ya Kachikau, Mme Clare Kombani, le ene o ne a tlhalosetsa setshaba gore HIVAIDS e kile ya bo e tshosa mo dingwageng tsa pele, mme mo bo gompienong letshogo leo le fokotsegile ka gore batho ba setse ba itse ka jone. “Moono wa monongwaga o supa fa morafe le one o ka dira pharologanyo ka gore sengwe le sengwe se dirwa kana se reriwa mo morafeng, e bile Batswana ba tswa kgakala ba dira pharologanyo, jaaka batlhokomedi ba balwetse le bone batlhatlhobi gareng ga ba bangwe ba ba nang le seabe ke bone morafe,’’ ga tlhalosa jalo Mme Kombani. Dingwe tse di neng di dirwa ka letsatsi leo di ne di akaretsa go kgaoganya batsena segopotso ka ditlhopha go ya ka dingwaga tsa bone go ba fa sebaka sa go buisanya ka dikgang tse di farologanyeng. Dingwe tsa tse go builweng ka tsone di akaretsa mathata a kgokgontsho, go latlhegelwa ke maikutlo a thobalano ga borre le bomme, malwetsi a tlhakanelo dikobo le dikgang tse dingwe fela tse di amang botsogo. BOKHUTLO health 6 Bo-ntlhopheng ba kopiwa go nna le botho Bo-ntlhopheng ba kopilwe go nna le botho mo ipapatsong ya bone ka gonne maitshwaro a a eletsegang mo sethong le mo setshabeng, ke one a ka ba dirang baemedi ba tlhwatlhwa ba ba ratiwang e bile ba tlotliwa ke batlhophi. Mogolwane go tswa kwa lekalaneng le le ikemetseng la ditlhopho, IEC, Mme Motlapele Raleru o boletse mo thuto puisanong e rulaganyeditswe batsaya karolo botlhe mo ditlhophong kwa Serowe bosheng, gore go na le bukana e e tlhalosang ka maitshwaro a bontlhophang, ka jalo o ba kgothatsa go nna le yone go kgona go itse ditshwanelo tsa bone. A re bukana e, e botlhokwa fela thata mo go ba ba emetseng ditlhopho segolo jang ka ditlhopho tsa setshaba di setse di le gaufi. Mme Raleru o tlhalositse gore mo go yone bukana e gape, go nale ditsetlana tse di tlhalosang ka boitshwaro jwa batho le se ba tshwanetseng go se dira ka nako ya ipapatso kgotsa ya ditlhopho. A re go ya ka fa molaong wa lefatshe leno, ga gona ope yo o tshwanetseng go tshosetsa yo mongwe, ka mongwe le mongwe o nale tshwanelo ya go emela ditlhopho go ya ka thato ya gagwe. A re ga go ope yo o tshwanetseng go kgobotliwa ka mafoko kana a kgorelediwa go ipapatsa ka bangwe ba supa fa mafelo mangwe ele a bone. O tlhalositse gape gore ke molato o motona gore e re yo mongwe a tshwere phuthego ya sepolotiki a bo a ka kgorelediwe ke ba bangwe kana ba mo tshosetse ka dibetsa. O tsweletse a re fa ele gore diphuthego tsa sepolotiki di tshwerwe letsatsi le le lengwe, ga di a tshwanela go bapa, di tshwanetse go nna sekgala sa dimithara di le makgolo a matlhano fa gare. Mme Raleru o boletse gore ipapatso ya digoagowe yone ga e a tshwanelwa go diragala morago ga nako ya borobabongwe bosigo. O tsweletse a gakolola batsena dithuto tseo gore babega dikgang ba na le tetla ya go tsena diphuthego tseo ba sa tshosediwe kgotsa ba kgobotliwa ka mafoko. O boletse fa go senyaka kgotsa go kgagola ipapatso ya yo mongwe, ele molato jalo a ba rotloetsa gore ba tshwanetse go itlwaetsa go bala dibukana tsotlhe tse di buang ka ditlhopho gore ba itse ditshwanelo tsa bone le tsa batlhophi ba bone. politics 7 Palamente e rebotse madi Mopalamente wa Shoshong, Rre Phillip Makgalemele a re palamente e dumelane ka molao wa go rebolela lephata la matlhoko a leruo le lekgotla le le ikemetseng la tsamaiso ditlhopho madi a meoketsa. Rre Makgalemele o boletse mo diphuthegong tse a neng a di buisa kwa Kalamare le Mmutlane gore e re ka lephata la temo-thuo le tlhaelelwa ke melemo mo madirelong a tshwana le LAC e bile lefatshe leno le tshwara ditlhopho kgwedi ya Phalane e le masome a mabedi le bone, mmuso o ne wa tsaya tshwetso ya go rebolela lekalana la LAC P40 million go reka melemo ya leruo le go abela lekgotla le le ikemetseng la ditlhopho P30 million go baakanyetsa ditlhopho tsa setshaba. O kgotlhaditse batlhophi ba kgaolo ya Shoshong go somarela dikarata tsa bone tsa Omang le tsa tlhopho gore ba kgone go ya go dirisa tshwanelo ya bone ya go tlhopha baemedi ba ba eletsang ba ka ba emela kwa palamenteng le kwa dikhanseleng. A re mengwe ya melao e e dumelanweng mo palamenteng e e fetileng ke wa go saenela ditirisano tsa kgwebo ga lefatshe la Botswana le mafatshe a bophirima jaaka la America, go nna le ditumelano tsa go adima ba matlhabelo a BMC madi ke ba banka ya Standard Chartered ka maikaelelo a go thusa mo go dueleng baruakgomo ba ba rekisetsang matlhabelo ao dikgomo ka nako e e tshwanetseng. Rre Makgalemele a re mengwe ya melao e go buisantsweng ka yone mme e ise e konetelelwe ke wa tshekatsheko ya go abiwa ga lefatshe, twantsho borukutlhi le go fetola leina la lekgotla le le tsamaisang metshameko la Botswana National Sports Coucil go nna Botswana National Olympic Commission. O boleletse batho ba metse eo, ba ba neng ba ngongorega ka tiego ya go agiwa ga matlo a boroko jwa baithuti kwa sekoleng sa Kalamare Junior Secondary le tiego ya go thusiwa ga batho ba ba ikopetseng lenaneo la nyeletso lehuma fa ditiro dingwe tsa ditlhabololo di ne tsa seegelwa kwa thoko ka ntlha ya tlhaelo ya madi. E rile banni ba Kalamare le Mmutlane ba tswa la bone, ba kgala badiri ba lephata la matlhoko a leruo, ka go bo ba palelwa ke go jesa dikgomo tsa bone Omang le go tlhaela ga melemo le dijo tsa leruo mo makalaneng a LAC, e bile ba supa ka monwana lephata la diphologolo, bojanala le makgabisa naga ka go tlhoka go ba phimola dikeledi fa ba senyeditswe dijwalo ke diphologolo mo masimo. Ba ngongoregile gape ka go tlhoka mmaraka o ba ka rekisang thobo ya bone kwa go one, ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa metsi le go senyetswa ke dikgomo mo masimo. E rile mogolwane wa lephata la matlhoko a leruo mo Mahalapye Rre Rapula Chepete a tsibogela dingongorego tsa bone mabapi le Omang wa dikgomo, a tlhalosa fa bontsi jwa dikgomo tse di sa jesiwang Omang e le tse beng ba tsone ba tshotseng bo Omang ba ba seng mo tirisong e bile le ditshipi tsa bone tsa dikgomo di sa tlhole di le mo tirisong ntateng ya go tlhoka go shafadiwa. Ramonaka. BOKHUTLO politics 7 Kereke e latlhagelwa ke tsela Tona Prince Maele wa lephata la ditsha le matlo o gwetlhile dikereke go tlhomamisa gore di dira ditiro tse di ka tokafatsang matshelo a batho. Fa a bula semmuso phuthego ya ngwaga le ngwaga ya lekgotla la dikereke tsa semoya kwa Nlapkhwane bosheng, Tona Maele o ne a supa matshwenyego ka go wela tlase ga seabe sa kereke mo go tlhabololeng setshaba. Rre Maele o ne a tlhalosa fa pele ga boipuso kereke e ne e dira go le gontsi go thusa go tlhabolola lefatshe leno. O ne a fa sekai ka seabe se kereke e nnileng le sone mo go tsa botsogo, thuto ga mmogo le go isa ditlhabololo tsa dikago mo dintlheng tse di farologanyeng tsa lefatshe leno. Rre Maele o ne a gatelela botlhokwa jwa gore kereke e itshekatsheke go batla fa tota e ka tswang e latlhile tema teng. A re tsholofelo e ne e nnile gore seabe sa kereke mo go tlhabololeng lefatshe leno se gole morago ga boipuso ka jaanong puso e ne ya rebola gore go obangwe ka tshosologo ntle le sekgoreletsi sepe. Rre Maele o ne a ikuela mo dikerekeng go itlotla le go nna sekao mo setshabeng ka go sa amegeng mo ditiro dipe tse di fatlhang. O gwetlhile baeteledipele ba dikereke segolo bogolo go kgaratlhela go busetsa seriti se kereke e kileng ya bo e na le sone, a re go dira jalo go ka tlhomamisa gore kereke ka e tsewa tsia. Tona Maele o ne a gwetlha baruti le bagogi ba bangwe ba dikereke go tlhomamisa gore maloko a dikereke tsa bone a babalesegile. O ne a supa fa go tshwenya fa go a ne go nna le ditiragalo tse mo go tsone batho ba tlhokafala ka nako ya kolobetso. A re se se supa go tlhoka boikarabelo ga baeteledipele ba dikereke fa go tla mo dikgannyeng tsa pabalesego ya maloko. Tona Maele o ne gape a supa ngongora ka boseyong jwa tsamaiso e e lolameng mo dikerekeng tsa semoya. A re mo mabakeng a mantsi dikereke tseo ga di na thulaganyo e e tsepameng ya gore dilo di dirwa jang, a a fa sekai ka dibuka tsa madi tse a boletseng fa go le gantsi di se yo kana di se mo maemong a a tshwanetseng. Rre Maele o ne a ikuela mo lekgotleng la dikereke tsa semoya go supa tumelo ka ditiro ka go inaakanya le ditiro tse di ka fetolang matshelo a Batswana ba ba tlhokileng lesego ka mabaka ape fela. E ne ya re a latlhela la gagwe, moeteledipele wa lekgotla leo, Rre Phillimon Motlhagodi a dumalana le mafoko a gore kereke e tshwanetse ya nna sekao mo setshabeng e bile e tshwanetse ya tsosolosa ditiro tse dintle tse e kileng ya bo e itsege ka tsone. Rre Motlhagodi o ne a ntsha matshwenyego ka baruti bangwe ba ba tseneletseng mo dikgannyeng tsa polotiki. O ne a kgala mokgwa oo a menne phatla, a re baruti ba tshwanetse ba lemoga fa tiro ya bone e le go kopanya setshaba, e seng go se aroganya go ya ka diphathi tsa sepolotiki. Gape o ne a kgala baruti ba ba buang kgatlhanong le puso, selo se a boletseng fa se supa fa baruti ba go nna jalo ba sa tsee ka tlhoafalo tiro ya bone ya go nna bagakolodi ba puso. E ne e rile go le pele a ntsha lefoko la kgothatso, Moruti Zose Masalila a tlhalosa fa go ata ga mekgwa e e duleng mo tseleng mo setshabeng e le sesupo sa gore kereke ga e dire tiro ya yone ya go betla le go bopa setho se se amogelesegang mo bathong. O ne a ikuela mo kerekeng go tsaya maemo a yone mo setshabeng ka go dira ka botlalo thomo e Modimo a e e tlhometseng mo lefatsheng. Phuthego eo ya dikereke tsa semoya e ne e le ya borataro ya ngwaga le ngwaga mme e ne e efa lekgotla sebaka sa go ithuna dinta le go betla tsela go ya isagong. religion_and_belief 8 Ba Mmathethe ba isa malebogo Go ne go o sha legong go sala molara, lerole le beta kolobe, kwa kgotleng ya Mmathethe, fa balemi barui le matshwitshwiti a batho baneng ba kokoane go lebogela pula le thobo e kgolo. Sebui sa tlotla mo letsatsing leo la go ipelela thobo le go lebogela Ramasedi marothodi a pula, e leng motshwarelela kgosi ya Bangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane. O ne a galaletsa Bangwaketse thata go leboga Modimo go bo a ba neseditse dipula tsa medupe. Kgosi Kgamane o boletse fa temo thuo e le mokwatla wa itsholelo ya ngwana wa Motswana, a bolela fa Batswana ba rapetse ka bokete, le ka bongwefela jwa pelo gore Modimo o ba golole mo leubeng. Kgosi Kgamane o rotloeditse Batswana go tswelela ba lema go jesa lefatshe leno. O ne a akgola molemi mogolo, Kgosi Daniel Mathiba, yo o dirileng gore go nne le letsatsi la mofuta o. Kgosi Kgamane o rotloeditse gape balemibarui go lemela kgwebo e seng go lemela mo ganong fela, le go lema ka ditselana, eseng go gasa. Le fa gontse jalo, kgosi ya Mmathethe, Kgosi Daniel Mathiba, o boletse fa ba ne ba araba lentswe la ga tautona wa lefatshe leno go leboga Modimo go bo o ba neseditse dipula tsa medupe, tse di ba fileng thobo e e nametsang. O boletse fa ba dirile mo go tweng lentswe la kgosi le agelwa mosako. Mopalamente wa Ngwaketse Borwa, Rre Peter Siele o rotloeditse balemibarui go tswelela ba dirisa mananeo a puso a temothuo go ithusa.Bokhutlo society 9 Kgosi Sechele o lebogela madi a ditlhabololo Kgosi Mosikare Sechele wa Sechele mo kgaolong ya Bokone Botlhaba a re o itumelela lenaneo la madi a ditlhabololo tsa dikgaolo ka le tsisitse ditlhabololo mo motseng wa gagwe. Mo potsolosong le Kgosi o iteetse legofi puso ka go simolodisa lenaneo le, a re ka lone ba kgonne go aga ntlo ya boroko ya LA2 e mo nakong ya gompieno e nnang modirelapuso. A re go le gantsi badirelapuso ba tlhaelelwa matlo a boroko mo metseng ka ntlha ya gore matlo a komiti ya ditlhabololo ga a lekane. Kgosi Sechele o supile gape fa ba na le maikaelelo a go aga sekole sa bananyana mo motseng mo setsheng sa bone se ba se abetsweng ke khansele go tsisa ditlhabololo. O buile fa khansele ya Bokone Botlhaba e amogetse moalo wa sekolo seo, mme mo nakong ya gompieno ba emetse go abela yo o tlaa se agang tiro e. Kgosi a re sekole sa bone se sebotlana ga se na mophato wa tonto tshipidi, ka jalo ba lemogile go le botlhokwa go thusa puso ka go ikagela sekole se se tlaa lootsang bananyana pele ga ba ya kwa mophatong wa bongwe. O tlhalositse fa ba kopile gape go agelwa lebala la itloso bodutu le metshameko le le tlaa tsenyang madi mo letloleng la motse. A re go le gantsi mabala a metse a dirisiwa ka nako ya malatsi a boitapoloso a botsalo jwa Morena ka meletlo ya dikatara gape le metshameko e ntse e le yone ya malatsi ao. Kgosi Sechele a re mabala a metshameko a botlhokwa gongwe le gongwe ka a thusa banana go intsha bodutu le go ikgapha mo mebileng. Kgosi o gateletse fa ditlhabololo di thusa go tsholetsa seemo sa itsholelo sa bana ba motse ka e le bone ba thapiwang go dira ditiro tse. Mo go tse dingwe, Kgosi Sechele o lebogetse mananeo a puso a nyeletso lehuma, mme a supa fa mangwe a one a sa dire sentle ka ntlha ya dikgwetlho di tshwana le malwetse a a tlhasetseng dikoko. O buile fa ditshingwana tsa merogo tsone di sa kgone go itsetsepela ka ntlha ya mogote wa loapi. O kgothaditse badirelapuso go baya leitlho mananeo fa ba sena go a abela Batswana go tlhomamisa gore a dira sentle. E re dikgang di eme jalo, go utlwala fa go ne go rena kagiso le thitibalo kwa Sechele ka letsatsi la ditlhopho le malatsi a boitapoloso a a latelang. society 9 Kerobale o tswa sekole thuso Modiri wa lephata la diphologolo kwa Bobonong, Mme Keonyatse Kerobale, o abetse sekole se sebotlana sa Modisaotsile ditilo di le masome a mararo tse di tlaa dirisiwang ke baithuti ba sekole sa bananyana ba ba sugiwang pele ba ya go dira lekwalo la ntlha. Mme Kerobale o tlhalositse fa a le mo ngwageng ya botlhano a ntse a dira tiro ya boithaopo ka go abela batho ba ba tlhokileng lesego a dirisa madi a a mogelang kwa tirong ya gagwe. O tlhalositse fa a setse a kile a abela ba-na-le bogole kwa Sefhare le batlhoki kwa Mathathane. A re o nna a netefatsa gore ngwaga le ngwaga o abela dikole kgotsa batho ba ba tlhokang thuso. O boletse fa tiro ya go aba e tswa boteng jwa pelo ya gagwe e bile e sa amane gope le go itshupa mo setshabeng. Mme Kerobale o solofeditse fa a tlaa tswelela a dira tiro e ya bopelotlhomogi botshelo jwa gagwe jotlhe. Mogokgo wa sekole se,Mme Ketshwaneditswe Modisaemang o boletse fa sekole sa gagwe se na le kgwetlho ya letlhoko la didirisiwa tsa thuto. Mme Modisaemang a re sekole se sa tswa go simolodisa sekole sa bananyana ngwaga ono. Mogokgo o boletse fa ba simolotse dithuto tse, ka bana ba le masome a marataro mme ba sena didirisiwa tse di faphegileng tse di ka dirisiwang mo dithutong tsa bananyana. A re moono mogolo wa dithuto tse ke go suga bana pele ba ya go dira lekwalo la ntlha selo se se tlaa tlhofofaletsang bana go ithuta ka tshosologo fa ba dira lekwalo la ntlha. O boletse fa maitlamo a sekole a go ntsha maduo a a nametsang a phirimisiwa ke letlhoko la didirisiwa tsa thuto. A re ba Bobonong Cooperative ba ba thusitse ka dikete tse tharo tsa dipula tse di tlaa dirisiwang mo ditlhabololong tsa sekole mo dingwageng tse tharo. Mme Modisaemang o kopile dikompone tse di ikemetseng,maphata a puso ga mmogo le baithuti ba pele ba sekole se go ithaopela go tsamaisa sekole se mo lenaneong le puso e ikuetseng go thusiwa go tsamaisa dikole ka maiteko a go tlhabolola thuto ya lefatshe leno. Mogolwane wa lephata la thuto mo Bobonong, Mme Ediretse Sebusang o galaleditse boithaopo jwa ga Mme Kerobale a re go a itumedisa go bona batho ka bongwe ba ithaopela go thusa puso go tlhabolola thuto. O tlhalositse fa puso e tlhaelelwa ke madi go rekela dikole tsotlhe didirisiwa tsa thuto. education 4 Popagano ya morafe e ka tsisa maduo Popagano ya morafe lefatshe ka bophara e kailwe e ka tsisa pharologanyo e tona mo dipalong tsa ba ba tshelang ka mogare wa HIV/AIDS le ba ba tlhokafetseng. Se se builwe ke Moruti Michael Motswakadikgwa wa kereke ya Alliance Ministries kwa Mochudi, mo segopotsong sa ba ba tlhokafetseng ka ntata ya mogare wa HIV kwa kgotleng kgolo ya Bakgatla bosheng. Moruti Motswakadikgwa o boletse fa go fokotsa kgethololo ya batho ba ba tshelang ka mogare le ba ba dirisang dinotagi phetelela e ka nna nngwe ya ditsela tse di ka fokotsang kgolo ya dipalo tsa balwetse ba AIDS le ba ba tshelang le mogare wa HIV ka ba ka fiwa dikgakololo sentle. O boletse fa bangwe ba santse ba le bofitlha ka seemo sa bone sa mogare ka go santse go na le bangwe ba ba kgethololang batho ba lebile seemo sa bone. Moruti Motswakadikgwa a re go bopagana ga setshaba go ka thusa ba ba nang le mogare gore ba kgone go itshupa le gone go bona dithuso ka nako. O boletse fa baeteledipele ba setse ba supile popagano ka go dira mananeo a batho ba ba tshelang le mogare jaaka la thibelo mogare go tswa go mmangwana go ya kwa leseeng le la diritibatsi. Moruti Motswakadikgwa o boletse fa go gopola ba ba re tlogetseng go thusa ba ba santseng ba le mo botshelong go gatela pele ka ba tsaya ditshwetso tsa go itlhokomela. O boletse fa go itlhoboga e se tshwetso e e maleba ka botlhe e le bana ba Modimo mme ba tshwanetse go ikanya ene. Moruti Motswakadikgwa o boletse fa molaetsa wa kereke e le gore batho ba tshephege ba le mo nyalong le ba se mo go yone, a rotloetsa setshaba go tsaya boikarabelo ka go tsamaya mo tseleng ya Modimo gore ba tle ba kgone ba nne le botshelo jo bo sa khutleng. Mogolwane wa (Botswana Network of People Living with HIV and AIDS Rre Allan Tshekedi o tlhalositse fa go bereka le batho ba ba tshelang le mogare go le botlhokwa ka go ruta setshaba go itlhokomela le go tlhokomela ba malwapa a bone. A re batho ba ba nang le mogare ga ba rate go bidiwa gotwe ba na le mogare bogolo go twe ba tshela ka mogare ka ba dirisa diritibatsi tse di o laolang mo mmeleng. Rre Tshekedi o kopile setshaba go rapela ka nako tsotlhe ba le seopo sengwe go gomotsa malwapa a a latlhegetsweng gore le bone ba nne le tshepo mo botshelong. Mme Boitshepo Rice yo e leng monana yo o tshelang le mogare o boletse fa go ikamogela e le yone tsela ya ntlha ka e mo thusa go phuthologa mo pelong le mo go tsotlhe. O boletse fa thotloetso go tswa mo lwapeng le mo motseng e ka dira gore motho a ikamogele ka nako mme a kgone go tsaya diritibatsi a santse a itekanetse. Mme Rice a re go botlhokwa go itsese batho ka seemo sa gago sa mogare, segolo bogolo ba o tshelang le bone gore go seka ga nna le tshelano ya mogare le gone go ikokeletsa bokoa. O tlhalositse fa batsadi ba tshwanetse go kgothatsa bana go itlhatlhoba le gone go ba itsese ka bodiphatsa jwa go tlhakanela dikobo ba sa itshireletsa le go nna le bakapelo ba ba farologaneng. O kopile setshaba go tshwaragana go lwantsha segajaja ka ke yone tharabololo fela e e leng teng e seng kgethololo. Mme Rice o tlhalositse fa leina la gagwe le nna le mo gakolola go nna le boitshepo mo botshelong mme a le dirisa go kgothatsa banana ka ene. Moemela kgosi wa Bakgatla, Kgosi Bana Sekai o kopile morafe gore o seka wa fela pelo mo go lwantsheng mogare ka e le mmaba mo setshabeng. O kopile morafe go tswelela ba gopola ba ba tlhokafetseng, mme ba kgothatse ba ba santseng ba le teng go itlhokomela ka go tsaya diritibatsi le go ikgapha mo go tse di ka oketsang mogare. Kgosi Sekai o lebogetse puso matsapa a e a dirang go thusa setshaba mabapi le mogare, mme a kopa setshaba go thusa puso ka go iphapa. BOKHUTLO education 4 Ba -na- le boswafe ba a tlhobaela Dipego tsa kgonagalo ya go dirisiwa ga lefatshe leno ele tsela ya go fetisa ditagi tse di seng ka fa molaong le go fetisa batho ba go dumelwang ba ya go rekisiwa kwa mafatsheng di tsisitse tlhobaelo mo bathong ba ba tshelang le boswafe. Se se builwe ke mokwaledi wa mokgatlho wa ba - na - le boswafe, Rre Gaontebale Mokgosi mo phuthegong e ba mokgatlho oo ba neng ba e buisa kwa Ghanzi ka Labotlhano go tsibosa morafhe ka ditswanelo le dikgwetlho tsa bone. Rre Mokgosi a re seemo se se a tlhobaetsa ebile se baya ba- na- le boswafe mo diphatseng ka go dumelwa gore dikarolo tsa mebele ya bone di ka tsisa dikhumo kgotsa go dirisiwa mo tirong tse a reng ke tsa boloi le bongaka jwa setso. A re ntswa lefatshe le tsweletse ka go tlhabologa ditumelo tse di tswang goo lowe bogolo jang mo Afrika tsa gore dikarolo tsa mmele wa ba - na - le boswafe di ka tsisa khumo di santse dile teng kgotsa mo ditirong tsa bongaka jwa setso. Ntswa ditumelo tse di tswa kgakala, a re ga di na boammaruri ebile ba kgala ba sa kgwe mathe ba ba tsayang karolo ka mabaka a ditumelo tse. Ditumelo tse a re di atile thata mo mafatsheng a tshwana le bo Burundi, Malawi, a tlatsa ka gore kgwedi eno e tlhola malatsi a le mane kwa Zambia mongwe wa ba - na - le boswafe o ne a kgaolwa letsogo. A re kwa Burundi ba - na - le boswafe ga ba kgone le go rekisa kgotsa go gweba mo mekgwatheng ka ba tsewa go dirisiwa mo tirong tse. “Tota le tlhotlhwa ya ba - na - le boswafe e setse e beilwe , ebile o ka e bona fa o ka thodumela mo maranyaneng a ditlhaeletsanyo a Internet,”a tlhalosa. A re go nna le polokelo ya kanoko ya dikarolwana tsa madi (DNA) ya batho botlhe mo Botswana go ka fokotsa matshosetsi a go rekisiwa ga ba - na - le boswafe ba a reng ba na le ditshwanelo jaaka mongwe le mongwe. Moeteledipele wa mokgatlho o, Rre Fraiser Gaonakala o kaile fa e le ene mo- na- le boswafe fela kwa lelwapeng mme mmagwe o ne a thola a mmolelela gore ke lekgoa fa a botsa gore ka go reng a sa tshwane le ba bangwe . A re o ne a simolola go jega fa bana ba sia fa ba mmona le batho ba mmitsa ‘leswafe’ mme a botsa mmagwe gape gore ke eng asa tshwane le makgoa a mangwe mme o ne a mo tlhalosetsa boaammaruri jwa gore ke mo - na - le boswafe. A re mo - na- le boswafe o tshwana le mongwe le mongwe, pharologanyo ke mmala ,moriri le matlho fela. “Gatwe bogologolo re ne re bewa mo letsatsing gore re tswe mmala, kgabagare motho a nne le kankere ya letlalo.” A re batho ba na le ditumelo tse di farologanyeng ka ba- na- le -boswafe, bangwe ba dumela gore ba - na - le boswafe ga ba bone motshegare, fa bangwe ba dumela gore motho yo o tshelang ka mogare wa AIDS fa a tsena mo tlhakanelo dikobong e e sa sireletsegang le mo - na - le boswafe o ka fola mogare ebile bangwe ba betelela ba - na - le boswafe ka tumelo e . A re madi a ba- na- le -boswafe a tshwana le a mongwe le mongwe ebile mo - na - le boswafe o ka abela madi motho yo madi a gagwe a tsamaelanang le a gagwe. “Ke tshotse ngwana le motho yo e seng mo- na -le -boswafe ebile ngwana wa teng ga se mo - na - le boswafe,” a tlhalosa. Rre Gaonakala o ne a gwetlha morafhe go amogela ba- na le -boswafe le go tlogela ditumelo tse eseng tsa boammaaruri tse di amang ba- na - le boswafe a supa gore bogologolo batho ba ne ba ikgwela mathe mo diaparong fa ba mmona ele tumelo ya gore go dira jalo go ka dira gore ba seka ba tshola mo - na - le boswafe. A re go baya ba- na- le boswafe kwa mahure mo go dirwang ke batho bangwe go ka baka gore mo -na - le boswafe a gole a tshaba batho. Mo bogaufing a re mme mongwe o ne a ikgapela botshelo ka go ikaletsa morago ga go lemoga gore o belege mo -na - le boswafe . A re bogologolo ba- na- le boswafe le bone ba ne ba bolawa morago ga pelegi a tlatsa ka gore “Ebile go ne go dumelwa gore re a nyelela ,re ne re bolaiwa go bo gotwe re nyeletse.” Modulasetilo wa mokgatlho wa ba- na- le boswafe Rre Sargent Kgosietsile o ne a gatelela botlhokwa jwa go baya monwana molao wa mafatshefatshe wa ba -na - le bogole ke lefatshe leno, a re go dira jalo go ka fokotsa dikgwetlho tsa ba - na - le boswafe ka ba tlaa bo ba tsewe jaaka ba - na -le bogole. A re le bone ba eletsa gore ba akarediwe go nna kgotsa go tseewa jaaka ba - na - le bogole ebile ba akanyediwe mo go sengwe le sengwe se se dirwang mo lefatsheng leno. Modulasetilo a re ba tshwanetse go phakisiwa ditlolo tse di ba babalelang mo marang a letsatsi ka ba ka felela ba tsenwa ke kankere ya letlalo fa ba sa itshireletse mo letsatsing, e kalafi ya yone e leng turu. A re ba- na- le boswafe ba tlhatlhobelwe matlho ba bo ba abelwa digalase tsa matlho go silomola kwa tlase gore ba tle ba kgone go tlhwaafalela dithuto tsa bone go sena dikgwetlho. Mo godimo ga moo, a re puso le dikompone tse di ikemetseng ka nosi di tshwanetse go tlamiwa go thapa ba - na - le boswafe fa ba fetsa kwa dikolong tsa ithutelo ditiro jaaka mafatshe a mangwe a tshwana le Namibia. O ne a tlatsa ka gore ba tshwanetse go berekela fa go tshwanetseng. Dibuka le tsone a re di tswanetse go dirwa go akanyeditswe ba -na - le boswafe. O ne a tlhalosa fa polokelo ya kanoko ya dikarolwana tsa madi e le botlhokwa ka e ka thusa mo borukhutlhing jotlhe, jaaka go balaya ba -na-le boswafe. Fa a tswa la gagwe moemedi go tswa kwa ofising ya Mopalamente wa Ghanzi Bokoni,Rre Jesus Mosokwe a re go botlhokwa gore ditumelo tse dingwe di beelwe fa tlhoko gore ba - na - le boswafe ba tshele sentle. A re ba- na- le boswafe ga ba a tshwanelwa go sotlwa, ba tshwanetswe go tlotlwa gape, a tlatsa ka gore ba na le bokgoni. O ne a fa sekai ka seopedi sengwe sa mmino wa reggae kwa Jamaica, Winston Foster yo o tumileng ka leina la Yellowman yo a reng o ne a phuaganngwa ke mmagwe a sa le monnye kwa lefelong lengwe le go godisediwang bana ba ba senang batsadi teng. A re Yellowman o ne a gola sentle a ithuta thata mme kgabagare a ithophela go tsaya tsela ya moopelo e a tumileng ka yone lefatshe lotlhe ka bophara. BOPA crime_law_and_justice 1 Lesang go ngapangapana - Motlhagodi Moeteledipele wa dikereke tsa semoya (OAIC), Moruti Mookami Motlhagodi o gakolotse baeteledipele ba dikereke go tlogela go ngapana ka se se kgoba batho marapo go ineela mo Modimong. O buile jaana fa a laelana le baruti, diphuthego tsa dikereke tsa semoya le bagolo ba Serowe kwa Kerekeng ya St. Gallery kwa Serowe bosheng. Moruti Motlhagodi yo a ntseng a direla kwa Serowe o fudugela kwa Gaborone, morago ga go tlhongwa modulasetilo wa sekhukhu sa mekgatlho e meraro ya ditumelo tsa sekeresete kana Botswana Networking Christian Community (BONECCO) e ofisi kgolo ya yone e leng kwa Gaborone mmogo le ya OAIC. BONECCO e okametse makgotla a le mararo, la OAIC, Evangelical Fellowship of Botswana le la dikereke tsa pholoso (Botswana Council of Churches). O supile fa a santse a le bete se molangwana ka tirisano mmogo ya dikereke, a gakolola baeteledipele go sala thomo ya bone morago e seng go dira tse di sa ba lebanang. A re go a tshwenya go bona bangwe ba kala kana ba nyatsa dikereke tse dingwe a re baruti ba tshwanetse go lemoga gore ga gona kereke e e botoka go feta e nngwe ka botlhe e le ba Modimo. A re fa gongwe bangwe ba latlha tsamaiso mo ba felelang ba kgopakgopana le batho, bogolo jang mo ditirong tse di tshwanang le tsa seso. A re kereke e tshwanetse go kopa tsamaiso mo lwapeng e seng go laola. “Go felela go le botlhoko o bona kereke e kojwa mo lesong, ntswa ba tshwanetse gore ba bo ba gomotsa. Ngokang batho e seng go ba kganelela kgakala,” Moruti Motlhagodi a tlhalosa. A re go a ama go bona dikereke di thubega, mme kgang kgolo e le maemo, a re se, se diga seriti sa kereke le sone sa motho mme a gakolola badumedi go itse gore motho ga a ipee maemo, o bewa ke batho ba lebile ditiro tsa gagwe. O supile fa go santse go tshwenya gore dikereke dingwe di bo di sa romela dibuka tsa bone tsa madi, fa bangwe ba sa tshware le bokopano jwa ngwaga, selo se a reng se supa fa kereke e sa tsoga sentle. Moruti Motlhagodi o kopile dikereke tse di santseng e le mekoko go nna maloko a makgotla go ya ka fa tsamaisong ya dikereke tsa bone ka popagano e, e ka leretse dikereke maduo. A re lefatshe leno ke lengwe la mafatshe a a eletsegang thata, mme kereke e na le seabe se setona mo kagisong, a kaya fa le lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le letlhoko la ditiro, tiriso ya diritibatsi mo bananeng mme tse tsotlhe di tlhoka kereke e e nang le boikarabelo go ritibatsa seemo. Moruti Motlhagodi a re ba galaletsa Tautona Mokgweetsi Masisi gore a bo a tsibogetse kgang ya letlhoko la ditiro le go lemoga seabe sa dikereke tsa semoya. A re ba solofetsa go mo ema nokeng gore a fitlhelele tsotlhe tse a ikemiseditseng go di dira. Moruti wa kereye ya pholoso ya The Global Church of God Moapostolo Pontsho Mochanang a re se moruti a se fitlheletseng go kopanya dikereke ke botlhale jwa Modimo. A re fa moruti a sa dirise botlhale jwa Modimo, o kgona go thuba kereke le malwapa mme a re Moruti Motlhagodi o kgonne go kopanya batho le dikereke go ka nna ka fa tlase ga moriti o le mongwe. Moruti Mochanang a re lorato lwa ga Tautona ke lone konokono ya tse a di fitlheletseng. Mothusa molaodi wa kgaolo- potlana ya Serowe, Rre Coolen Tubego o kgothaditse dikereke go nna le lentswe mo tsamaisong ya lefatshe. Rre Tubego a re kereke e tshwanetse go itsaya tsia, go kgala masula a tshwana le tshenyetso setshaba mme a re se, se ka kgonafala fela fa kereke e ka kgaogana le bosula. A re sekeresete ga se go apara dipurapura, go bua ka diteme le go opela monate, a re ditiro tsa tshiamo ke tsone kereke. O kgadile ba ba etelelang baruti pele, ba batla gore ba dire se se ratwang ke bone. A re gantsi batho ba go nna jalo ke ba ba nang le madi mme se se baka gore batho ba tlhoboge kereke. A re moruti ga se wa bangwe mo kerekeng ke wa botlhe. O kopile dikereke tsa semoya go batla boamaaruri jo bo ka ba bolokang. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Ditlhopha tsa thotloetso di tla thusa baithuti Mo maitekong a go tsholetsa seemo sa thuto kwa Lobatse, go tlhamilwe ditlhopha tse di tlaa neng di etela dikole go fa baithuti le barutabana thotloetso le go ba lekola. Mmatoropo wa Lobatse, Mme Caroline Lesang a re ba tsere kgato e morago ga go lemoga gore maduo a ditlhatlhobo tsa bana ba dikole a wetse tlase mo dikoleng ka bontsi. O ne a bua le kokoano ya khansele ya toropo ya Lobatse bosheng, a re moono le maikaelelo a bone ke go rotloetsa baithuti le barutabana. O boletse gore ba lemogile kwelo tlase ya maduo a bana ba lekwalo la bosupa, a tlhalosa fa kgaolo e dikile e bone maduo a 61.8 per cent. A re dikole dingwe di supa tsa Lobatse di ne tsa bona maduo a 50 per cent go ya kwa godimo fa di le nne di bone a a kwa tlase ga foo. Mmatoropo a re ba tsweletse ka go dirisa lenaneo la Adopt-a-School mo kgaolong go tlhabolola dikole mme a tlhalosa fa bontsi jwa makhanselara ba le rotloetsa fela thata. O tsweletse a re lephata la thuto le ne la simolola lenaneo la Back-to-School ngogola mme a tlhalosa fa go thusitse bana bangwe ba Lobatse, a tlatsa ka gore ba le batlhano ba amogetswe kwa sekoleng se segolwane sa Lobatse. Mmatoropo a re bangwe ba tsena kwa dikoleng tse di potlana tsa St Theresa le Newlook, a re dikole tseo di tsere baithuti ba le babedi sengwe le sengwe. Fa a bua ka lenaneo la Ipelegeng, Mmatoropo o boletse fa lenaneo leo le ya bokhutlong Moranang a fela.A re ba lenaneo la Ipelegeng ba kgonne go dira ditiro di le masome matlhano le bone mo go tse di masome marataro le bobedi tse di neng di tshwanetse go dirwa. A re tse dingwe gotlhelele ga ba a di kgona jaaka kwa sekoleng se segolwane sa Lobatse tse di amanang le motlakase gammogo le diofisi tsa pele tsa ga molaodi. E rile a bua ka tsa botsogo a re ba mo dipaakanyong tsa go isa ditirelo dingwe tse di mo kokelong ya Athlone kwa dikokelwaneng go fokoletsa kokelo eo morwalo le gone go itsa tiego ya go thusa balwetse. O tsweletse a re mo lenaneong la nyeletso lehuma batho ba le 39 ba ne ba isiwa dithutong ngogola ka Morule go ya go ithuta ka mananeo a ba batlang go itshetsa ka one. A re ba le batlhano ba setse ba thusitswe go dira masingwana a morogo le go lema ditlhare mme ba ne ba rutuntshiwa kwa sekoleng sa temo-thuo kwa Sebele. Le fa go ntse jalo, Mmatoropo a re ba ba tseneng mo mananeong a go itshetsa ba lebanwe ke dikgwetlho tse di tshwanang le go tlhoka fa ba direlang teng, mme ba felela ba hirisa mafelo a a turang. O ne a bega gape gore mo nyeletsong lehuma e e neng e tshwerwe kwa Dikhukhung ngogola, ba ne ba kgona go isa ba-na-le bogole ba roba bongwe, a kaya kgato eno e le phitlhelelo e kgolo. education 4 Mokgethe o rotloetsa baithuti go dira ka natla Lephata la thuto, e rile kgwedi eno e tlhola gararo, ba bo ba tshwere moletlo wa go abela baithuti ba ba dirileng sentle dikgele tsa ngwaga wa 2014. Maikaelelo a kabo dikgele tse ke go kgothatsa baithuti go tswelela ba dira sentle, le ba ba sa dirang sentle go tsenya marapo dinameng mo nakong e e tlang. Moithuti go tswa kwa sekoleng se segolo sa St Joseph kwa Kgale, Rre Bosa Mokgethe rotloeditse baithuti ba dikole tse dipotlana le tse dikgolwane go nna le ditoro le tebelopele mo dithutong tsa bone, ka seo se ka thusa thata mo katlegong le go ipetlela bokamoso jo bo siameng mo isagong. Rre Mokgethe o buile se bosheng mo Tsabong mo letsatsing la kabo dikgele tsa baithuti ba ba dirileng bontle mo maduong a lokwalo lwa bosupa le mophato wa boraro mo dikoleng tse di mo kgaolong ya Kgalagadi ka ngwaga wa 2014. Rre Mokgethe yo o neng a le mongwe wa ba ba gaisitseng Botswana jotlhe mo dithutong tsa sekole se sebotlana le se segolwane, o itlamile go tswa ka tse di tsididi mo maduong a mophato wa botlhano, ka jaana a na le tebelopele le ditoro mo botshelong, jalo he a rotloetsa baithuti ka ene go bereka ka thata gore ba tsoge ba itshetsa, ka mofufutso wa diphatla tsa bone. Moithuti yo mo mafokong a gagwe jaaka e ne e le sebui sa tlotla sa letsatsi leo, o ne a tlhalosa fa go tlhwaafalela dithuto le go ikitaya ka thupana go le botlhokwa ka go ka tsisa maduo a a kgatlhisang, a gatelela thata gore ntleng le thuto ga go na botshelo. Moithuti go tswa sekoleng se segolwane sa St Joseph o ne a gwetlha baithuti ba bangwe go inaakanya le tsa maranyane a internet ka a sedimosa tsotlhe tse ba tlhokang go di itse mo go tseneletseng mo go tsa thuto. O ne a supa fa kgaolo ya Kgalagadi e le nngwe ya dikgaolo tse di sa ntsheng maduo a a kgatlhisang mme a kopa batsadi le barutabana go nna seopo sengwe le gone go tshwaraganela thuto ya bana ba bone gore maduo a tle a tokafale le ntswa go na le dikgwetlho tse di leng teng. education 4 Mokgatlho wa dikereke o abela masiela E rile bosheng, mokgatlho wa dikereke tse di farologaneng wa Faith Based Organisation, wa abela bana ba masiela ba lelwapa lengwe dimpho tse di akaretsang dijo, melora le diaparo. Moemedi wa mokgatlho oo, Mme Agnes Ncaagae, o ne a tlhalosa gore ba ngomotswe pelo ke gore lelwapa leo ke la masiela fela e bile ba nna le mosadimogolo, yo le ene a lwalang, ka jalo a ka se kgone go fa bana tlhokomelo. Modulasetilo wa khansele potlana ya Thamaga/Mogoditshane, Rre Driver Motlokwa, o ne a bolelela ba lelwapa leo fa ba le lesego fela thata, a bo a ba kgothatsa go tlhokomela dilwana tseo. E rile fa a amogela dimpho tseo, Mme Kelebogile Moswate o ne a leboga mokgatlho oo e bile a ba kgothatsa go tswelela ka mowa o montle wa go aba. Bokhutlo religion_and_belief 8 Dirukutlhi di leleka balemi kwa masimo – kgosi Kgosi Ramosinyi Radipitse wa Tonota o ikuetse mo setshabeng go emisa kgokgontsho ya bagolo kwa masimo. O buile seo kwa moletlong wa go ipelela thobo o o neng o tshwaretswe kwa masimong a Dikogo ka Labone, Seetebosigo a tlhola malatsi a masome mabedi le borobabobedi. A re batho ba tlogela masimo ka dipalo tse di kwa godimo ka go tshaba dirukutlhi tsa bana ba motse wa Tonota e seng batswakwa jaaka bangwe ba belaela. Kgosi Radipitse o tsweletse a re seemo sa borukutlhi se golela pele. O tlhalositse fa a godisitswe ke temo, a supa fa jaanong se se diragalang mo lefatsheng ka bophara se ngomola pelo le go feta. A re seemo se, se batla go tsibogelwa ka bofefo, e seng jalo bagolo ba tsile go tlogela temo ka bontsi. Kgosi Radipitse a re gongwe thobo e ba e boneng ngwaga ono ke ya bofelo ka gore batho ba setse ba tshaba go nna kwa masimo go leta dijwalo tsa bone ka ntlha ya go kgokgontshiwa ke bana ba motse. Fa a ntsha la gagwe, mopalamente wa Tonota Borwa, Rre Pono Moatlhodi o rotloeditse bomme go nna ba le palo ya go ya kwa go bo botlhano go lwantsha kgokgontsho e e ba tlhagogelang kwa masimo. O kopile bomme go nna ba le podi matseba dinako tshotlhe, bogolo jang fa ba le kwa masimo ka gore dipula di tloga di phaila gore bomme ba boele gape kwa masimo go ya go lema. Le fa gontse jalo, Rre Moatlhodi o lebogile balemi ba Tonota go bo ba kgonne go dirisa mefuta e mesha ya temo le gone go ntsha dijo tse di nametsang. O lebogile balemi go fa ba ba sa kgonang go lema dijo gore le bone ba tle ba kgone ba ore molelo wa mariga. Mopalamente Moatlhodi a re botshelo bogolo bo kwa tshimong jalo a kgothatsa balemi go tshwara ka thata mo temong. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Khamphane e abetse Khumaga dijo Khamphane ya Desert Sand Safari Tours e abetse Khumaga kwa kgaolong potlana ya Boteti dijo tse di lekanang malwapa a le makgolo a mabedi le masome a ferabobedi. Fa a bua kwa go rolweng ga dijo tse di lopileng P90 532 bosheng, mothusa modulasitilo wa khansele potlana ya Boteti, Rre Batshweletse Kgagamedi, o boletse fa Batswana ka bontsi ba amilwe ke segajaja sa COVID-19 . Rre Kgagamedi a re dijo di tsile ka nako ee siameng ka jaana puso e sena go fa batho dijo la bobedi. A re banni Khumaga ba segofetse ka e bile go tlhalositswe fa di tla lekana malwapa otlhe a motse oo. Rre Kgagamedi a re go a itumedisa go bona beng ba dikgwebo le Batswana ka kakaretso ba eme puso nokeng mo nakong ee thata ya segajaja sa COVID-19. O ne a leboga Ngande Trust go bo e tsweletse ka go thusa le go kopela motse dithuso tse dingwe mo bagwebing. Rre Kgagamedi o ne a leboga mogwebi yo o abileng dijo a re o dira ditiro e tona ya go thusa setshaba se a direlang gare ga sone. O ne a mo rotloetsa gore a tswelele ka go diragatsa mowa oo wa bopelotlhomogi. Modulasitilo wa Ngande Trust, Rre Budzani Baitse, a re ba ne ba lebelela ka fa kiletso mesepele e amileng bontsi jwa banni ba motse wa bone ka teng. Rre Baitse a re bontsi jwa batho ba amegile thata ka jaana ba ne ba tshela ka lenaneo la Ipelegeng. A re ba dule letsholo go kopa dithuso kwa bagwebing, mme Desert Sand Safari Tours e ne ya araba selelo sa bone. Rre Baitse a re khamphane eo e tswa kgakala e ba eme nokeng. A re Ngande Trust e ne ya abela sekolo s ese botlana sa Khumaga dithiba melomo di feta makgolo a mararo. Rre Legatilemang Moela go tswa kwa Desert Sand Safari Tours ene a re ba bone go tshwanela gore ba thuse setshaba se badirela kwa go sone mo nakong ee thata e ya segajaja sa COVID-19. Rre Moela a re ba ne ba thulanya ditlhogo mme ba tswa ka mogopolo wa gore le bone ba leke go thusa setshaba sese amilweng ke segajaja se. society 9 Tiriso botlhaswa ya bana e a kekela Mapodisi a bomme ba mokgatlho wa Women Network kwa Palapye ba re ba tshwentswe ke go golela pele ga dikgang tsa tiriso mo tlhakanelong dikobo ya bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobobedi. Modulasetilo wa mokgatlho oo Sergeant Vivian Kolane o kaile fa mo kgweding ya Hirikgong go setse go kwadisitswe dikgang tsa tiriso botlhaswa ya bana mo tlhakanelong dikobo di le thataro. A re ngwagatlola ba gatisistse dikgang tsa go nna jalo di le masome mabedi le botlhano mme tsa tlhatlogela kwa go masome mane le bobedi ngogola. Sergeant Kolane, yo o neng a bua kwa moletlong wa go abela sekole sa Goosemama sa Gootau melora le mesangwana ya basetsana bosheng, o kopile batsadi go begela mapodisi dikgang tsa tiriso ya bana mo go tsa tlhakanelo dikobo, a re e re ntswa segajaja se se tsweletse ka go kekela, batsadi bangwe ba bipa mpa ka mabele. A re nako dingwe dikgang tsa tiriso ya bana mo tlhakanelong dikobo e abo e le malomatsebe mme e re ba re ba a di tlhotlhomisa, e nne phitlhela kgomo ya serotswana. Sergeant Kolane a re gantsi borre ba oka bana ka dilo tse di ka ba kgatlhang mme ka tlhaloganyo ya bongwana le go tlhoka boikarabelo, bana ba felele ba dumalanye go tlhakanela dikobo. A re go dirisa bana jalo ke go ba senyetsa bokamoso, a kaya fa tlhakanelo dikobo e ba itaya tsebe mme kwa phelelong ba tlhoke go dira sentle mo dithutong. Ka dimpho, Sergeant Kolane o rile go aba ke maikaelelo a mokgatlho wa Women Network, a supa fa a mangwe e le go tsaya karolo mo ditirong tsa bopelotlhomogi le go atumela setshaba. A re e le maloko a mokgatlho mo kgaolong ya Palapye, ba ne ba itlhophela go diragatsa letshego lengwe la tebelopele ya 2036 e leng go tlhabolola motho le go mo fa seriti, a kaya fa ba tlhaloganya gore itsholelo ya batho ga e lekane, ke ka moo ba bonyeng go lebanye go thusa baithuti ba sekole seo. “Jaaka e le kgwedi ya lorato, re tsile go abela le go fa baithuti ba Goosemama lorato mme e bile re ba gakolola ka borukutlhi jo bo ka ba amang,” a tlhalosa jalo. Sergeant Kolane o rile bomme ba mapodisi ba leka go supa gore tiro ya bone ga se go tshwara badira-molato fela mme setshaba se ka kopa dithuso mo go bone fa ba na le letlhoko. Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole seo, Rre Patson Maele o ne a lebogela dimpho mme a supa fa di tlaa abelwa baithuti ba ba nang le letlhoko. A re mpho nngwe le nngwe e ba e amogelang mo sekoleng e ka ba thusa go tokafatsa maduo ka baithuti, batsadi le barutabana b a tia moko. crime_law_and_justice 1 Kereke e akgolelwa go aga ntlo Mothusa molaodi wa Maun, Rre Sedikwa Motshipi, o akgoletse kereke ya UCCSA go supa mowa wa kutlwelobotlhoko. Rre Motshipi o buile seo kwa Maun ka Matlhatso fa kereke e ne e abela Mme Kelejwang Mhaladi wa kgotla ya Maphane ntlo. Ntlo eo e na le dikamore tsa kamogelo baeng, borobalo, maapeelo, matlhapelo le ntlwana ya boitiketso. O ne a akgolela maloko go tsenya letsogo mo kagong eo, mme a ba kgothatsa go tswelela ka mowa o montle oo, a re go thusa yoo tlhokileng lesego ke go ikopela masego mo Modimong. A e re se ba se dirileng se botlhokwa thata ka se busetsa seriti mo go yo o abetsweng. Mothusa molaodi a re go bo Mme Mhaladi a agetswe ntlo eo ke ka lesego la Modimo ka e se motlhoki wa ntlha mo kgaolong eo, mme a re ba bantsi ga ba ise ba kopane le lone lesego leo. Rre Motshipi o ne a kopa bana ba ga Mme Mhaladi go mo thusa go tlhokomela ntlo eo ka jaana ene a setse a godile. O ne a gakolola gore ntlo eo e seka ya rekisa. E rile a ntsha la gagwe, Mme Mhaladi, yoo dingwaga di 91, a bolela fa a itumetse thata, mme a re Modimo ke one o obonyeng fa a tshwanelwa ke mpho ya go nna jalo, e bile a tlhalosa fa a sale a nnile leloko la kereke ya UCCSA go tsweng kgakgala. Mongwe wa maloko a kereke eo, Mme Wame Hambira, a re maloko a ne a ikaegile thata ka lefoko la Modimo, mme e bile ba batla go dira sengwe le sengwe se se ikaegileng ka lefoko la gagwe. A re ka go lemoga gore bangwe ga ba na diphitlhelelo tse bone ba nang le tsone, ba ne ba tsenya letsogo go thusa Mme Mhaladi ka go mo agela ntlo eo. A re ba simolotse tiro eo ka 2014, mme ka ene e se tiro e e motlhofo segolo jang ka ba ne ba e simololela mo legoeleleng e ne ya tsaya nako e telele go fitlhela gompieno jaanong ba dumela gore ba feditse le ntswa e sa wela sentle. Moruti Rre Boikobo Nthobatsang o ne a bolela ka fa kereke ya UCCSA e simolotseng ka teng le kwa e tswang teng a re e tswa bogologolong e santse e le Lontone, mme a re e ne ya fetolwa ka ngwaga wa 1967 ya nna UCCSA mme a re e mo dingwageng tsa bo masome a matlhano le boraro. A re ke kereke eo e na le dikole le dikokelo, e bile e inaakantse le go a ga motho ka boene. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Go fedisa dipompo go tlaa fokotsa ditshenyegelo Mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele, a re ka ntlha ya seemo se se sa iketlang sa loapi, dipula tse di boutsana le go dirisiwa ga metsi botlhaswa, mmuso o ikaelela go ntsha dipompo tsotlhe tse di ntseng di nosa setshaba. A re go ntshiwa ga dipompo tse di ntseng di nosa setshaba go tlaa thusa go somarela tiriso ya metsi, phokotsego ya madi a a dirisiwang go baakanya dipompo le go rotloetsa Batswana go tsenya metsi mo malwapeng. Rre Makgalemele, yo e bileng e le Mothusa Tona wa Lephata la Botsogo le Boitekanelo, o buile mafoko a mo diphuthegong tse a neng a di buisa kwa metseng ya Shoshong le Tobela bosheng. O ne a lekodisa batlhophi ba kgaolo ya gagwe ka melao e e dumalanweng mo phuthegong e e fetileng ya palamente. O boletse gore mo palamenteng e e fetileng go dumalanwe melao ya go fetolwa ga molao wa tsamaiso ya ditlhopho, molao wa go amoga babereki ba maphata mangwe tshwanelo ya go ngala ditiro, molao o o sireletsang malomatsebe le go oketswa ga maphata a puso. E rile Rre Makgalemele a itebaganya le tsa lephata la gagwe, a kopa Batswana go itlhatlhobela malwetse ka dinako tsotlhe gore badiri ba lephata la botsogo ba kgone go lwantsha malwatse ao a ise a jwelelele. A re go itlhatlhobela malwetse go ka thusa badiri ba lephata leo go thusa balwetse ka nako e tshwanetseng e bile a bolela fa go dira jalo go ka thusa go fokotsa madi a dirisiwang goreka melemo le go fokotsa ditshenyegelo tsa madi a dirisiwang go romela balwetse kwa mafatsheng a sele goya go bona kalafi. Mopalamente Makgalemele o ne a kgothatsa banni ba Shoshong le Tobela go ipaakanyetsa letsema la monongwaga ka go ntsha disana le magabu mo masimo gore ba kgone golema ka dipula tsa ntlha ka jaana ba lephata la tepo lowapi ba tlhalositse fa monongwaga go tla nna le dipula tse dinamagadi. E rile banni ba Shoshong le Tobela ba akgela mo diphuthegong tseo, ba ngongorega ka go tlhoka go tshwarwa sentle mo dikokelwaneng tsa metse ya bone. Ba buile gape ka gogo tlhoka go tlhabololwa ga ditsela tse di mo motseng, tiego ya go neela batho dithuso tsa lenaneo la nyeletso lehuma, tiego ya go baya batho ditsha tsa masimo kwa Tobela ga lekgotlana la kabo ditsha gammogo le metsi a letswai a go bolelwang asa siamela botsogo jwa batho. Mogolwane wa lephata la botsogo le boitekanelo, Rre Moitshepi Galeemelwe, a re le ntswa ba lebanwe ke kgwetlho ya go tlhaela ga dikoloi le bodiredi, ba tsere tshwetso ya go oketsa dinako tsa go bereka ga dikokelwana dingwe tsa lefatshe leno e bile a bolela fa mmuso o simolodisitse sekole sa ithutelo bongaka kwa mmadikole. BOKHUTLO society 9 Ditlamelo di a goroga kwa Moshaneng Kgosi Seate Marumo wa Moshaneng a re ba itumeletse lenaneo la Ipelegeng ka le namola bangwe mo lehumeng e bile le fokoditse letlhoko la ditiro. O buile jalo bosheng , fa a amogela badirela-puso kwa Moshaneng ba ba neng ba isitse ditlamelo kwa morafeng. A re,o lebogela khansele ya Borwa go tsisetsa batho ditlamelo mo kgaolong ya gagwe, gammogo le banni ba motse go bo ba tsile kgotleng ka bontsi go tla go reetsa se badiredi ba se ba tsholetseng. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Bontle Papagwe o boletse fa dingwe tsa ditiro tsa bone di saletse kwa morago ntateng ya di dirisiwa tse di tlhaelang. O kopile ba ba lebaganeng le ditsela, go di gopa ka fa dipula di nele ditsela di sa tsamaege, a tlatsa ka gore go dirwe dikholobete ka gonne fa dipula tse di mashetla di na, metsi a ba tsenelela mo matlong. A re, ba nale leruo mme ga ba na mokenti mo motseng wa bone. Mothusa Molaodi, Mme Segomotso Nkwane, o boletse fa e le matshwanedi gore e le badirela- puso ba makalana a farologaneng, ba isetse batho ditlamelo. Fa a lebagana le babereki ba Ipelegeng, o tlhalositse fa ba tshwanetse go tlhoafalela go bereka ka bonatla go ntsha maduo mo kgaolong ya bone, ba sa bereke ka go patelediwa. O kopile ba ba sa kgonang go thapiwa gore ba ye kwa masimo go ya go tlhagola le go roba se se duleng, a bo a kopa banana go ya go kopa dithuso tsa madi a go bula dikgwebo tse ba dikgonang kwa diofising tsa banana tse di gaufi le bone. A re, go tsisa ditlamelo mo dikgaolong e tsile go nna selo se khansele e tla se tlhomamisang gore ditlamelo di goroga ka nako kwa bathong. Mme Nkwane o boletse fa tshenyetso setshaba e tshwenya thata. A re, batho ba tlogele go tsaya meamuso ya puso ka bokukuntshwane. O tsweletse a re, batho ba tshwanetse go nna matlho a sepodisi, ba ikgolaganya le ba sepodisi fa ba ka bona sengwe se sa tsamae sentle. Mo dikakgelong tsa banni, Rre Molemi Mpholo a re, o leboga khansele potlana ya Borwa go bo e tsibogetse go tsisetsa batho ditlamelo kwa dikgaolong tsa bone. O boletse fa kokelwana ya Moshaneng e nale motlhatlhobi a le mongwe fela, a supa fa e rile bosheng jaana go bo go ne go sena yo o thusang. A re, seo, se ka dira gore batho ba ba lwalang ba ketefalelwe ke go ya kwa dikokelwaneng tsa Kanye. Molaodi Mme Nkwane o boletse fa a tla ikgolaganya le ba ba lebaneng go baakanya seemo. Bangwe ba banni ba motse ba ne ba ya le maphata a khansele a a neng a le kwa phuthegong go kopa dithuso mo go tse ba di tlhokang tse ba neng ba sa kgone go di latela kwa khanseleng ya Kanye. Bokhutlo society 9 ‘Itse seemo sa gago’ Batswana ba kopilwe gore ba itlhatlhobele mogare wa HIV gore ba kgone go itse seemo sa bone go sale gale le gore ba tle ba kgone go tshela ba phuthologile. Mafoko a, a boletswe ke Kgosi Wetsho Gobusang fa a amogela baeng kwa Salajwe ka Labotlhano. Kgosi Gobusang o tlhalositse gore puso e ntshitse mananeo a le mmalwa go leka gore Batswana ba intshe mo segajajeng sa mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS. O boletse gore fa Batswana ba ka tsaya kalafi ya HIV ka fa ba laetsweng ka teng, ba tlaa fokotsa dintsho tse di diragalang gompieno mme ba tshele lebaka le le leele le gone go kgona go godisa bana. O tlhalosistse fa basha ba le bantsi ba tlhokafatse ka ntlha ya go tlogela kalafi mo tseleng, a kopa gore ba seka ba emisa go tsaya kalafi, mme ba itsese baratiwa ba bone ka seemo sa bone. Mogolwane go tswa kwa ofising ya tsa AIDS, Mme Oratile Abram o ne a tlhalosa fa maikaelelo a letsatsi leo e le go gopola ba ba tlhokafetseng ka ntlha ya AIDS. O tlhalositse gape fa ba tsibosa batho gore bolwetse jo bo santse bo le teng, le gone gore puso e fa batho dipilisi mahala. Mme Abram o tlhalositse gore go botlhokwa go amogela ba ba tsenyweng ke bolwetse jo, a bo a kopa ba ba sa itseng seemo sa bone go tsibogela go se itse, a tlhalosa fa go le botlhokwa go tshela o ritibetse maikutlo. O kopile ba ba tsayang kalafi go emisa go goga motsoko, a supa fa dilo tse di kgoreletsa diritibatsi go dira tiro ya tsone ka botlalo. E ne ya re fa a a fa mafoko a kgothatso, Father Kebaatlhotse Medupi a bala Ekesoto 15:, 26 e e reng, ‘fa o reetsa lentswe la ga Jehofa ka tlhoafalo, o bo o dira se se molemo mo matlhong a gagwe, o reetsa ditaelo tsa gagwe, ga a kitla a go naya malwetse a a a neetseng Baegepeto, go nne ke Modimo mofodisi’. Father Medupi o ne a tlhalosa gore bolwetse jo bo ka fela, fa baruti ba ka dirisa molao wa Modimo o o mo Baebeleng le wa batsadi. O tlhalositse fa mosimane le mosetsana ba sa tshwanela go ikopanya ba sa nyalana, a supa fa ba tshwanetse go kopanngwa ke moruti ka lenyalo kana molaodi. BOKHUTLO health 6 Matshogo o ikanya legala la tshwene Monni wa Serowe, Rre Goitsemang Matshogo, ke mongwe wa Batswana ba ba santseng ba tshepha melemo ya setso. Batswana ba le bantsi ba tlhanogetse melemo eo go ikanya ya segompieno le tumelo. Rre Matshogo wa kgotla ya Mokwena o boletse mo potsolotsong gore ene ke ngaka ya setso e e sa direseng ditaola. O rekisa melemo ya Setswana ee akaretsang setima molelo, lenano, monna montsho, mamba, seswagadi, motubane le phekolla e a bolelang a e laetswe mo ditorong. Rre Matshogo, yo o dingwaga di masome a marataro le bone, a re molemo wa mmangmmang ke wa legala la tshwene o a reng o ne a o laelwa ka nako ya fa a lwala fela thata. A re e ne ya re mo dingwageng tsa bo 2003 le 2004 a lwala bolwetse jwa go swa mhama jo a neng a felela a latlhegelwa ke tiro kwa moepong wa BCL. A re o ne a kopa thuso kwa dikokelong mme yare a bona a tsweletse a lwala a ya go kopa dithuso mo go bo nka di latlha le ba dikereke tse di farologaneng mme go se nko e tswang lemina. Ya re nako nngwe a robetse a tlelwa ke lentswe le mo laela gore thuso ya gagwe o ka e bona kwa monneng mongwe wa ngaka kwa botlhabatsatsi. O ne a gakologelwa ngaka nngwe kwa Lecheng kwa Tswapong. A re ga a aka a diya nako mme a kopa mongwe wa lesika go mo isa kwa Lecheng. Go tseneng kong a fitlhela batho ba le bantsi le bone ba emetse go thusiwa mme a fiwa thuso pele ga ba bangwe ka a ne a le kwa tlase fela thata a sa kgone go itsamaisa. Rre Matshogo a re o ne a nosiwa molemo wa legala la tshwene fa a goroga mme a ba a sidilwa ka one. O ne a lefisiwa P500 go thusiwa. A re mo malatsing a le lesome le bone ke fa a setse a utlwa mmele wa gagwe e bile a kgona go itshikinya. A re o ne a gakgamala fela thata a nna le diphetogo tse dintsi tse di neng di sa diragale mo mmeleng wa gagwe. A re o ne a felela a fodile mme a kgona go itsamaisa. Rre Matshogo a re e ne ya re ka ngwaga wa 2005 a utlwa lentswe le mo laela gore a ye kwa makhubung go tsaya molemo wa legala la tshwene go thusa batho. A re toro eo e ne e tlhalosa le gore a o tsee fa kae mme a dira se a se boleletsweng. Ka moo e ne ya re ka 2005, a simolola go rekisa legala la tshwene. A re melemo e mengwe e a e rekisang e tsile morago fela a ntse a e kaelwa mo ditorong. Rre Matshogo a re go na le dinako dingwe tse a kgonang go nna fela a akanya go lesa thomo e a e filweng mme lentswe le tswelela le mmotsa gore o tlogeletseng a sa thuse batho ka jalo a re go thata go tlogela se a se romilweng. Le fa go ntse jalo, Rre Matshogo a re o na le kgwetlho ka go na le melemo mengwe e e sa bonaleng mo nakong ya fa pula e seyo a bolela fa leuba le mo kgaupetsa go dira tiro ya gagwe ya go alafa. arts_culture_entertainment_and_media 0 Ngwao mokokotlo wa tlhabololo dikitso Mokwaledi mogolo wa lephata la ditiro le tlhabololo dikitso, Mme Pearl Ramokoka, a re ngwao ke mokwatla wa tlhabololo dikitso. O buile jalo kwa moletlong wa letsatsi la ngwao la Lobatse Brigade Centre ka Labotlhano. O boletse fa go le botlhokwa gore batho ba itlhaloganye gore ba kgone go tsosolosa seriti sa bone le go tlhabolola lefatshe. Mme Ramokoka a re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o supile matshwenyego ka letlhoko la ditiro, bogolo jang mo bananeng. Letlhoko la ditiro le dira gore banana bangwe ba inaakanye le ditiro tsa botlhokatsebe, selo se se godisang dipalo tsa bone kwa dikgolegelong. Mme Ramokoka o ne a kgothatsa baithuti go dirisa dikitso tse ba di amuleng go tlhabolola matshelo a bone le a Batswana kakaretso. Mme Ramokoka a re ka motho a kgona go fetolwa ke ba bangwe, go botlhokwa gore baithuti ba rutwe go tshela mmogo, go tlotlana le go itlotla. O ba kgothaditse go itshwaraganya le bagolo gore ba ithute mekgwa, setho le bothakga jwa Setswana. Kgosi Kgotlaetsile Motsamai wa Motswedi a re thulaganyo ya letsatsi le e sa le e simolotse ka dithuto go tswa mo maphateng a puso go akaretsa ba sepodisi sa Botswana le ba bogosi, dibeke pele ga letsatsi la ngwao go fa baithuti maele a botshelo. A re bane ba tshwere dithuto ka ngwao, gore Batswana ba ka lemogiwa jang, a tlatsa ka gore bogologolo go ne go se na bongaka kgotsa dikokelo, mme Batswana ba ne ba thusiwa ke ditumelo le meila go ikgapha mo dilong dingwe. Mokhanselara wa kgaolwana ya Boswelatlou, Rre Themba Setimela a re go botlhokwa gore baithuti ba ithute ngwao. Letsatsi le ne le tsenwe ke baemedi ba maphata a puso, makalana a a ikemetseng le bagwebi ba ba botlana ba ba thusitsweng ka mananeo a puso. Go ne go supiwa dikgafela, maboko, dikhwaere le tse dingwe. arts_culture_entertainment_and_media 0 Kgosi o ngongoregela ditirelo tsa balemisi Kgosi ya Gungwe kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba o kopile lephata la temo-thuo go ema ka dinao go re batho ba gagwe ba bone ka botlalo ditirelo tsa balemisi. Kgosi Musolina Mahola, yo a neng a amogela baeng ka letsatsi la ba lephata la temo-thuo la go isa ditirelo kwa bathong kwa motseng oo bosheng, o ntshitse ngongora ka gore molemisi yo o ba tlhokometseng o lebagane le go thusa metse e le meraro. Kgosi Mahola o kaile fa go ka nna botoka go re motse wa Zwenshambe o nne le molemisi yo o lebaganeng le one o le nosi ka o na le palo e ntsi ya batho mme wa Gungwe o ne o ka pataganngwa le wa Gambule go thusiwa ke molemisi a le mongwe. A re go lemotshega fa molemisi wa bone a imelwa ke go tlhokomela metse e meraro mme e bile ka ntlha ya palo e ntsi ya balemi kwa Zwenshambe a felela a diega go ya go thusa kwa Gungwe le Gambule. Mo kgannye e nngwe, kgosi o ne a lela ka tlhaelo, ga mmogo le go tla thari ga dipeo, mo a supileng fa go kgaupetsa maiteko a bone a go itirela dijo. A re peo e tlhaela thata mo balemi ba le babedi ba kgonang go kgaoganngwa kgetsi e le nngwe ya peo. Fa a araba matshwenyego a ga Kgosi Mahola, mokwaledi wa lephata la temo-thuo, Dr Micus Chimbombio o ne a gwetlha morafe go ikgolaganya le komiti ya balemi-barui ya motse wa bone go tla ka metlhala ya go tokafatsa go tla ga dipeo kwa go bone. A re komiti eo e ka kwadisa ba ba tlhokang dipeo ya bo ya itshwaraganya le ofisi ya selimisi go ya go di tsaya le go di abela balemi go na le go emela molemisi go etela motse wa bone. Dr Chimbombi a re go dira jalo go ka ba tlhofofaletsa botshelo le go tlhomamisa go re ga ba tlhaele ditirelo tsa lephata leo fa go sa ntse go sekasekwa kopo ya bone ya go okelediwa balemisi. Mo ntlheng e sele, Dr Chimbombi o ne a gwetlha batsena-tiro ya letsatsi leo go tsamaalana le diphetogo tse di diragalang mo mohameng wa temo thuo. O ne a ba rotloetsa go dira mekwalo e e supang tse ba di dirang mo merakeng le mo masimong a bone go re thuo le temo ya bone di nne le motlhala o o papametseng. Dr Chimbombi o ne a ntsha sekai sa go re go botlhokwa go re barui ba supe ka mokwalo go re ba kentetse malwetse a fe le gone leng, go re go latedisa tse di diragalang mo thuong ya bone go nne bonolo. politics 7 Haven of Hope e abela batlhoki Moruti wa kereke ya Haven of Hope Ministry kwa Maun, Rre Nelson Elias, o akgoletse maloko go abela batho ba ba tlhokileng lesego. O buile se fa ba ne abela dikgotla tsa Shashe le Boyei diaparo kwa Maun bosheng. O boletse fa ba dira seo ba ikaegile ka lefoko la Modimo. Rre Elias a re go ngomola pelo go bona moagaisanyi a lala ka tlala mme ba ba itsholelo e e botoka ba sa kgathale. O gwetlhile morafe go abela ba ba dikobo dikhutshwane ka jaana ba tlaa segofala le go feta. O ne a lebogela ba ba thusitseng mo tirong eo a tlhalosa fa ba bone thuso go tswa kwa Gaborone le Maun. E rile a ntsha la gagwe, kgosi wa Shashe, Kgosi Prince Shashe a kopa morafe go amogela dimpho tseo ka lerato. O boletse fa sejo sennye se sa fete molomo. O boletse fa kgotla ya gagwe e le nngwe ya tse di lesego thata ka go le gantsi e amogela dithuso ka go farologana. Kgosi Shashe a re go a itumedisa go bona dikereke di boloditse letsholo go namola puso morwalo ka jaana e ka se kgone e le nosi go tlhokomela batlhoki. Kgosi Shashe a re go a itumedisa ka jaana bangwe ba ba filweng dimpho e se ba ba thusiwang ke puso. Kgosi Moeti Moeti wa kgotla ya Boyeyi le ene o ne a lebogela dimpho tseo ka mabogo oo mabedi a supa fa e le thulaganyo ya Modimo gore kereke eo e bo e tlhophile go thusa mo kgotleng ya gagwe. Mmaboipelego wa Shashe, Mme Winnie Babusi, o ne a supa fa e se botlhe ba ba ka neelwang mme a kopa ba ba sa amogelang gore ba se ka ba utlwa botlhoko ka jaana nako ya bone e tlaa goroga. religion_and_belief 8 Thutuntsho ya ikwadisetso ditlhopho e botlhokwa Komiti e e tlhokomelang tsamaiso ya ditlhopho tsa setshaba kwa kgaolong ya Palapye le Tswapong bokone, e kgothaditswe go nonotsha ikwadisetso ditlhopho tse di tlang ka go batla methale e e nonofileng ya go gasa molaetsa wa ditlhopho . Ba kgothaditswe ke mogolwane mo ofising ya ditlhopho kwa Palapye, Rre Leboneng Maifala bosheng mo dithuto puisanyong tse di neng di rulaganyeditswe go tlhatlhelela komiti eo kwa Palapye. O ne a ba bolelela gore ditshekatsheko tsa ofisi ya gagwe mo dikgaolong tsoo-pedi di supa gore molaetsa wa go ikwadisetsa ditlhopho ga o goroge sentle kwa bathong. A re mo dipatlisisong tsa bone, go supegile gore banana ke bone ba ba di gogang kwa tlhogong mo go itlhokomoloseng go ikwadisetsa ditlhopho. O ne a ikuela mo komiting gore e gase molaetsa ka mashetla mo setshabeng ka kakaretso le gore ba batle ditsela tse di ka ba tswelang mosola. Rre Maifala o boletse gore ka tlwaelo go ntse go dirisiwa ditante go nna matlhophelo, mme jaanong go ya go dirisiwa dikereke le dikole. politics 7 Maduo a dikole tsa Lerala a a tlhobaetsa Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Lerala, Rre Shadrack Jani a re boeteledipele jwa dikole tsa Lerala bo lemogile fa go wela tlase ga maduo a dikole tsa motse wa bone go bakwa ke batsadi ba ba sa tseeng tsia thuto. O boletse fa batsadi bangwe ba se na kgatlhego ya go etela dikole go bona gore bana ba dira jang le fa ba laleditswe ke boeteledipele jwa dikole. Fa a bua kwa phuthegong ya boeteledipele jwa maphata a a farologanyeng a puso le bogogi jwa motse kwa Lerala bosheng, Rre Jani o ne a re go ngomola pelo go bona ka fa batsadi bangwe ba latlhelelang thuto ya bana ka teng. A re go le gantsi batsadi ba tlogela bana ba sekole ba le nosi go ya go direla kwa dipolasing kana kwa masimo mme seo se ame dithuto tsa bone. O boletse fa bana ba le bantsi mo dikoleng tsa Lerala ba sa tsene dithuto sentle ka ba kgona go nyelela morago ga sefitlholo kgotsa dijo tsa motshegare mme morago barutabana ba lemoge fa bana ba palo e e ka tshwarang sephatlo mo ntlwaneng ya borutelo ba se yo. Rre Jani o boletse fa barutabana ba tsaya nako e ntsi ba letlanya bana ba sekole mme go ame tiro ya bone. O ntshitse selelo sa gore batsadi bangwe ba senya bana ba bone ka go ba ema nokeng le fa ba dirile molato kwa sekoleng, a bolela fa moo go ketefalela barutabana go ka otlhaya bana. Mo go tse dingwe Rre Jani o ne a re go nna sebaka se seleele mo lefelong le le lengwe go dira gore barutabana bangwe ba nne le boitseme mo tirong mme a kopa lephata la thuto go fudusa barutabana ba ba sa bolong go nna mo dikoleng di le dingwe. Mogokgo wa sekole se segolwane sa Lerala, Rre Frank Mahulela ene o boletse fa maikaelelo a bogogi jwa dikole e le go ntsha maduo a tlhwatlhwa. A re mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng ba ne ba lemoga gore maduo a dikole tsotlhe tsa Lerala a wela tlase mme ba kopana go sekaseka gore tsela ba ka tsaya e fe. A re mo ditshekatshekong tsa bone ba lemogile fa dikgwetlho mo dikoleng tsotlhe tsa Lerala di tshwana mme ba tlhokana le go ikamanya le ba ba amegang ka kwelotlase ya maduo a bana e se matshwenyego a barutabana fela. Mothusa kgosi wa Lerala, Rre Ookeditse Shaw o ne a lebogela phuthego eo a bolela fa boeteledipele jwa dikole bo tsile ka nako e e lebaneng. A re o na le tsholofelo ya gore maduo a dikole tsa motse wa gagwe a tlaa tsholetsega fa botlhe ba ba amegang ba ka ipona diphoso. BOKHUTLO education 4 Mmakaseterata o tsholola kgang Se se tla morago ga gore moikuedi e bong Rre Kebonyetsala Keoagile a tlhalosetse lekgotla fa a batla go tsholola kgang fa babelaelwa ba iponaditse fa pele ga lekgotla la Maun ka Labobedi. Banna bao e bong Abednico Kegometswe wa dingwaga tse 33, Goitseone Nkamogelang wa dingwaga tse 38 le Motshidisi Ditlou wa dingwaga tse 30 ba lebisitswe molato wa go bolaya kgomo kwa morakeng wa Xobe gaufi le Maun ba sena teseletso. Rre Keoagile o ne a supa fa a tseregantswe ke batsadi le mongwe wa babelaelwa e bong Motshidisi Ditlou yo e leng ntsalae, ka jalo a re o tsere tshwetso ya go tsholola kgang eo. Ka jalo, Mmakaseterata Kgoadi o ne a rebola gore ntlha ya ntlha ya molato o o lebisitsweng babelaelwa wa go bolaya kgomo ba sena teseletso o tsholotswe. Le fa go ntse jalo, babelaelwa ba ne ba itsesiwe fa tsheko ya molato wa go fitlhelwa ka dirwe tsa kgomo yone e tlaa tswelela Phalane a tlhola gane. Rre Paul Basupi wa bosekisi go tswa sepodising sa Botswana o ne a tlhalosa fa babelaelwa ba lebisitswe molato wa go bolaya kgomo ya ga Kebonyetsala Keoagile ba sena tetla ka Phalane ngogola le wa go fitlhelwa ka dirwe tsa kgomo. E ne e rile go le pele babelaelwa ba supa fa ba sa ipone molato mo dintlheng tsotlhe. crime_law_and_justice 1 Ba ipaakanyetsa ditshupo Modulasetilo wa komiti e e baakanyetsang ditshupo tsa temo thuo tsa kgaolo ya Kgalagadi Bokone, Rre Fraser Kgogobi, a re komiti e tshwaragane le maphata a puso le a a ikemetseng, e baakanyetsa ditshupo tsa monongwaga, tse di tlaa tshwarwang kgwedi eno e ya fifing kwa Tshane. Mo puisanyong le BOPA, Rre Kgogobi a re ntswa lefatshe leno le ikaegile ka di-tswa mmung, puso ga e a kgapela temo-thuo ntle. A re letsema le tsweletse go tsosolosa serodumo sa yone, gape e le tsela nngwe ya go rotloetsa setshaba go godisa le go tswakanya itsholele ka ditirelo tse di farologannyeng. Ka jalo, a re ba sega tema ya go diragatsa maitlamo a puso ka go rutuntsha balemi-barui ka methale e e tlhabolotsweng e ka yone ba ka bonang maduo a a nametsang mo temo-thuong. A re ka maswabi, kgaolo ya Kgalagadi Bokone e ne ya salela kwa morago mo go tswelediseng ditshupo, ka jalo, ba simolotse ngogola mme e bile ba itlamile gore di tlaa tshwarwa ngwaga le ngwaga. Rre Kgogobi o supile fa seemo sa temo-thuo mo kgaolong ya bone se sa jese diwelang ka jaana balemi-barui ba santse ba saletse kwa morago go ka tlhabolola temo- thuo go nna kgwebo. A re ditshupo ke tsela nngwe ya go ngoka balemi-barui go tla go tsaya malebela le go amogana maele ka fa ba ka tlhabololang temo-thuo go nna e ba ka gwebang ka yone. Rre Kgogobi o tlhalositse fa ditshupo tse, di tlaa simolola kgwedi eno e le masome mabedi le bosupa go fitlha kwa go masome a mabedi le boferabobedi. O ne a supa fa malatsi a mabedi a ditshupo e tla a bo e le a dithuto-puisanyo tse di tlaa bong di eteletswe pele ke ngaka ya matlhoko a leruo yo o ikemetseng, Dr Gaseitsewe Sento, le barutuntshi ba bangwe go tswa kwa lephateng la tlhabololo temo-thuo le dijo. A re dithuto tse di tlaa bo di leka go nosetsa thuto ya go tlhabolola temo-thuo, le gone go ba rotloetsa go inaakanya le methale e meshwa ya temo-thuo go ka tswelela ba ntsha dijo ba itepatepantse le phetogo ya seemo sa loapi. Mo go tse dingwe, o tlhalositse fa ditshupo tse di tlaa bulwa semmuso ka Matlhatso ke Mookamedi wa Banka ya Stanbic, Rre Samuel Minta. O ne a tlatsa ka go re go tlaa nna le ditiragalo di tshwana le mabelo a dipitse, disupiwa tsa bodiragatsi, botaki, le tsa temo-thuo. Rre Kgogobi o supile fa ba lebanwe ke kgwetlho ya go tlhoka barotloetsi. A re gompieno barotloetsi ba bone ke ba CEDA fela, ka jalo a gwetlha bagwebi le ba ba ikemetseng ka nosi go ba tswa thuso. A re seo se ka ba tlodisa melatswana mme ya re isago ba kgona go ikemela. Fa a tswa la gagwe, mookamela ofisi ya CEDA wa Kgalagadi, Rre Tuelo Rabaloi o ne a supa fa ngogola ba ne ba rotloetsa ditshupo tseo ka P50 000, mme tsholofelo ke go tswelela ba ntse ba thusa. O ne gwetlha komiti go ntsha ga tshwene mo ditirong tsa bone gore ba kgone go ngoka barotloetsi. Mo go tse dingwe, a re balemi- barui ba Kgalagadi, segolo ba Kgalagadi Bokone, ba santse ba le maoto a tshupa go kopa dithuso kwa CEDA go tokafatsa temo-thuo. A re balemi-barui go tswa Kang le kgaolo ya Kgalagadi Borwa ba a iteka le fa go sa lekana. Ka jalo, o ne a gwetlha balemi- barui go ititaya ka thupana go di goga kwa pele mo ditshupong tse, ka jaana se se ka ba fa sebaka sa go tla go tsaya maele mo go ba ba setseng ba bone dithuso tsa CEDA. Ditshupo tse di tlaa bo di tshwerwe ka setlhogo se se reng; Go Godisa go Gweba ka Mhama wa tsa Temo-Thuo, Botaki le Bodiragatsi, ke Tsela Nngwe ya Konokono go ka Godisa Mowa wa Boipelego. economy_business_and_finance 3 Ba Mascom ba fetola matshelo Rre Derick Lehutso o lebogile kompone ya Mascom go fetola botshelo jwa gagwe ka go mo thusa go simolola kgwebo ka lenaneo la Mascom Kitsong Centre. A re fa e sale a bulelwa kgwebo ke kompone eo ka kgwedi ya Phalane ngwaga o o fetileng, lehuma ke selo sa maloba gonne ga a kope ope sepe. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Rre Lehutso wa dingwaga tse masome mararo a re maikaelelo a kgwebo ya gagwe, ke go tlisa ditirelo tsa Mascom mo morafeng wa Kopong. O tlhalositse fa ditirelo tsa Mascom di akaretsa go rekisa airtime, go sega sim card le go abela moreki kitso ngwe le nngwe e a e tlhokang ka kompone eo. A re ba mo file caravan e goketswe motlakase, dibalamakgolo tse pedi, le motshine o o ntsifatsang dipampiri. O tlhalositse fa kompone eo gape e ne ya mo isa dithutong tsa go tsamaisa kgwebo lobaka lwa dibeke tse tharo kwa Gaborone. Rre Lehutso o buile fa botshelo jwa gagwe bo fetogile fa e sale a simolola kgwebo e. A re o thapile monana a le mongwe fa yo mongwe a ithaopile fela e le tsela nngwe ya go ithuta go tsamaisa kgwebo. O tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e mo godisa tlhaloganyo, mme e bile a setse a na le dikitso ka go farologana le maele a go rarabolola dikgwetlho tse a kopanang le tsone e le mogwebi. Rre Lehutso o buile fa go tsamaisa kgwebo e se dinyana ka jaana go batla motho o o nang le keletso ya go gola le go fetola botshelo jwa gagwe. “Kgwebo yone ka bo yone ke kgwetlho, ka jalo ke kopa banana ba ba nang le keletso ya go simolola dikgwebo go tla ka metlhale ya go tsamaisa dikgwebo tsa bone gore di seka tsa phutlhama,”a tshwaela. A re bangwe ba tsena mo dikgwebong ba na le tsholofelo ya go dira madi, mme a tlhalosa fa motho a tshwanetse go itse fa kgwebo e simolola e tsenya letseno le le botlana, mme morago e gole. “Bontsi jwa banana fa ba bona kgwebo e sa tsenye letseno le nne ba le solofetse, ba a itlhoboga morago ba tlogele dikgwebo di phutlhama.” Rre Lehutso o rotloeditse banana ba ba mo dikgwebong go tshela ka tumelo ya gore boitshoko bo tsala phenyo. economy_business_and_finance 3 Ba Molepolole ba re ga ba tshwarwe sentle Banni ba Molepolole ba ngongoregetse go tlhoka go tshwarwa sentle ke bodiredi jwa dikokelo le dikokelwana mo motseng wa bone. Ba ntshitse ngongorego e mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mothusa tona wa botsogo, Dr Gloria Somolekae kwa kgotleng yoo Ratshosa le GaMorwa kwa Molepolole ka Labobedi. Ba boleletse mothusa tona gore ga gona booki jo bo tsepameng le boitshwaro jo bo nitameng mo dipateleng, ke sone se dintsho di ileng kwa godimo. Ba re ba lapisitswe ke mela e meleele e bile go sena therisano magareng ga bodiredi le balwetse, ba supa fa boitshwaro jwa bodiredi e se jo bo amogelesegang gotlhelele. Mongwe wa banni, Mme Kefilwe Morake a re o tshwenngwa ke dipalo tse di kwa godimo tsa bomme ba ba senyegelwang kwa dipateleng. Mme Egnes Kenaope ene o supile fa dikobo di tlhaela kwa sepateleng ntswa go le paka ya mariga, a re seemo se, ga se jese diwelang ka se okeletsa balwetsi ditlhabi. O tsweletse gape a re maduo a ditlhatlhobo tsa kankere ya molomo wa popelo a tsaya sebaka se seleele mme a kopa gore lephata le dire gotlhe go a fefosa. Fa a tsibogela dingongorego tsa banni, Dr Somolekae o kgadile a sa kgwe mathe boitshwaro le maitseo a a sa letlelesegeng mo tirong, a kaya gore ke sone se lephata le tsileng ka ditselana le seelo sa maitsholo a bodiredi gore ba nne le boitsholo jo bo eletsegang mo balwetseng. A re o kopile bodiredi gore bo ithute go buisana le balwetse go ba lekodisa gore ke eng go na le tiego go na le gore ba nne ba sa itse gore ke eng se se diyang gore ba bone thuso. O tsweletse a re go boammaaruri gore dikobo di a tlhaela kwa Scottish Livingstone mme a tlhomamisa fa ba tla dira gotlhe mo go tshwanetseng go baakanya seemo seo. A re mela e meleele e bakiwa ke gore bodiredi bo a tlhaela mo dipateleng ka dingaka di tlogela tiro ka dipalo tse di kwa godimo ka ntlha ya dituelo tse di sa ba kgotsofatseng. Le fa go ntse jalo, a re lephata la gagwe le solofela gore seemo se tla tokafala ka e bile ba solofetse go alosa dingaka mono gae ngwaga e e tlang. O tlhalositse gape gore dintsho tse dingwe tsa bomme tse di amanang le boimana ba belaela di bakiwa ke go senya boimana, jalo a kopa batsadi gore ba bue le bana e bile gape ba ba age ba sale ba botlana ka gore lore lo ojwa le sale metsi. A re go tlhokafala ga batho ba le bantsi kwa dipateleng go bakiwa ke dilo di le dintsi di akaretsa go tla ka bolwetse bo setse bo jweleletse le go tlogela dipilisi ga balwetse bangwe ba ise ba fole. Le fa go ntse jalo, mothusa tona o gateletse botlhokwa jwa go nna le therisano le kutlwisisano fagare ga bodiredi le balwetse. Mo go tse dingwe Dr Somolekae o boleletse batsadi gore o tshwenngwa ke bana ba ba tlhaelang dikotla. health 6 Batswana ba rotloediwa go ikemela ka dinao Mopalamente wa kgaolo ya Nkange e bile e le tona wa tsa pereko le selegae Rre Edwin Batshu o kgotlhaditse banni ba motse wa Mmadinare go ikemela ka dinao ba seka ba baa gore tiro ya go epa masimo e ka dirwa fela ke ba tswa kwa. A re se ke sone se se rotloetsang gore ba bo ba tlhapa batho ba sena teseletso ya go bereka mo lefatsheng la Botswana. Tona Batshu o ne a bua se kwa phuthegong ya kgotla kwa Mmadinare maabane,ko gape a neng a tlhalosa gore go molato go fitlhela motho a tlhapile motswakwa a sena teseletso ya go bereka a re motho wa go nna jalo o ka tseelwa dikgato tse di maleba. Tona o ne a tswelela a tlhalosa fa Motswana mongwe le mongwe a tshwanetse go tsaya boikarabelo ja gore melao ya lefatshe e a obamelwa. One gape a tlhalosa gore ngwana mongwe le mongwe yoo tsholwang o tshwanetse go kwadisiwa kwa go ba lephata la matsalo a re se se thusa thata mo go diragatseng ditlogamaano tsa lefatshe go itse gore ba ka thusiwa jang mo go tsa botsogo le thuto. Erile a ama tsa lephata la Omang, Rre Batshu a re Batswana ba fleets mo dikgolegelong ka lebaka la go direla batho ba eseng ba lefatshe la Botswana Omang, a kopa Motswana mongwe le mongwe go nna le boikarabelo jwa gore batswakwa ga ba direlwe bo Omang a tlhalosa gore go tshwanafela le yone pasa ya mosepele e tshwanetse go tlhokomelwa ka nako tsotlhe. Tona o tsweletse a tlhalosa gore go na le molao o Batswana ba santseng ba tsietsega ka one o o tlhalosang ka boagedi jwa lefatshe . A re fa ngwana a tshotswe ke batho ba mafatshe a a farologaneng, mongwe wa motsadi a tswa mo Botswana, ngwana wa go nna jalo o na le boagedi ja mafatshe a ma bedi go fitlhela a tshwara dingwaga tse di masome a mabedi le bongwe ke gone a ka ikgethelang gore o tsaa boagedi ja lefatshe le a le batlang. Tona Batshu o tsweletse a re gagona motswakwa yo o tshwanetseng go fiwa teseletso ya go bereka a na le dikitso tse ngwana wa Botswana a nang natso a re o ka fiwa teseletso fela fa ana le dikitso tse ngwana wa Motswana a senang natso. Kwa bokhutlong, o ne a rotloetsa morafe gore nako tsotlhe ditumalano di tshwanetse go dirwa go itsa dikgogakgogano tse di ka nnang teng a re bogolojang bo mme ba banyalanang le batho ba eseng Batswana a re famotho a filwe boagedi ga gona ka fa a ka bo amogiwang ka teng. Erile ba mokgwa dikgaba banni ba motes wa mmadinare ba amogela se tona a ne a se ba bolelela. Ba ne ba tlhalosa gore bat la diragatsa molao go kgala go hira batswakwa ba sena diteseletso. Mo go tse dingwe ba ne ba bua ba sa kgale mathe ka ditlou tse di ba tshwenyang. economy_business_and_finance 3 Morafe o rotloediwa go sireletsa ngwao Banni ba toropo ya Ghanzi ba boleletswe fa ngwao e le botlhokwa e bile ba ka itshetsa ka yone le gone go aga boitshwaro jwa banana. Mafoko ao a builwe ke mogokaganyi wa mokgatlho wa Mbungu wa Kathimana wa morafe wa Bambukushu. Fa a bula semmuso moletlo wa ngwao o o neng o tshwaretswe kwa Ghanzi ka Matlhatso, Rre Benson Dibebe o rile go botlhokwa gore morafe o itse ngwao ya one le go ipela ka yone ka dinako tsotlhe gore le banana ba kgone go e sala morago. O tlhalositse fa mo malatsing a gompieno bontsi jwa Batswana ba tlogetse ngwao ba setse morago dilo tsa segompieno, mme a re ba tshwanetse go itse fa ngwao ele botlhokwa mo matshelong a bone, ka jalo ba tshwanetse go netefatsa gore ga e nyelele. A re bone e le morafe wa Bambukushu ba emetse ngwao ya bone ka dinao e bile ba rutuntsha le banana ba Bambukushu gore ba tlhaloganye ka ngwao ya bone. A re go botlhokwa gore morafe wa Ghanzi o tswelele ka go tshwara moletlo wa ngwao gore ba tlhologanye ka dingwao tsa bone le gore batswa kae baya kae. Rre Dibebe a re bontsi jwa banana ga ba sa tlhole ba itse dingwao tsa bone ka gore ba sia le ditlhabologo tsa segompieno, a tlatsa ka gore ditlhabologo di thulathulana le ngwao. E rile modualasetilo wa komiti ya ngwao e bile e le mokhanaselara wa Ghanzi Bogare Mme Gaolete Dikoma a ntsha maikaelelo a letsatsi leo a tlhalosa fa ba ne ba lemoga fa Morafe wa Ghanzi o saletse morago mo ngwaong, mme ba bona fa ba tshwanetse go emela ngwao ya bone ka dinao. Mme Dikoma a re go botlhokwa gore bone e le morafe wa Ghanzi ba tshware meletlo e e tshwanang le o, go ithuta ka ngwao gore le bone bana ba bone ba tsamaye mo dikgatong tsa bone ba seka ba lebala ka ngwao ya bone. A re moletlo o ke la bobedi o tshwarwa go leka go tsosolosa ngwao ya morafe wa Ghanzi, mme a tlhalosa fa maikaelelo e le go o tshwara ngwaga le ngwaga. O ne a tlhalosa gape fa moletlo o, o tshwarwa jaana ka boithaopo le lorato la batho ba Ghanzi. O ne a kopa banni ba Ghanzi go emela letsatsi le ka dinao le go tshwaragana gore moletlo wa bone o atlege. E ne e rile go le pele Kgosi Botshelo Lekgothu a amogela baeng, a re letsatsi leo le tshwanetse go dirwa ke morafe ka dipalo tse di kwa godimo. Kgosi Lekgothu a re setlhogo sa letsatsi leo, se se reng; Ipele ka Ngwao ya Gago, o e itse, o e diragatse, se bua ka one morafe, ka jalo ba tshwanetse go diragatsa ngwao ya bone le go ipela ka yone ka dinako tsotlhe. arts_culture_entertainment_and_media 0 Serowe o ipelela thobo Banni ba Serowe ba Ipeletse thobo ee nametsang eba e boneng monongwaga. Fa a ema morafe ka lefoko Kgosi Mokhutshwane Sekgoma one are o lebogela gore abo ba bone gole botlhokwa gore ba tlise bonnye jo ba bo boneng kwa kgosing ka seo se supa fa ba leboga badimo gore a bo ba ba hile thobo ee nametsang monongwaga. A re ba tshwanetse go lemoga gore dithapelo tsa bone tse bane badi tshwara tsa go kopa pula di arabilwe ka jalo go botlhokwa gore ere ngwaga oo tlang ba tlise thobo ee fetang ya gompieno gore kopo ya bone etle e reediwe. Kgosi Sekgoma oba gakolotse gore ba nne malala a laotswe ka jaana letsema lele gaufi, are seo se tlaa ba thusa gore ba kgone go tshwara bokgola jwa pula tsa ntlha. O ne gape a kopa morafe waga Mmangwato gore o itshekatsheke ka go lebega ba latlhegelwa ke ngwao mme seo sesa ba siamela. Ene e rile gole pele Kgosi Sediegeng Kgamane a amogela morafe are ere ntswa dipula tsa ngogola di nele morago ga nako mme ebile dina ka bontsi goa nametsa gore abo ba kgonne go bona sengwe kwa masimo mme ba tlaa ora molelo wa mariga. O boleletse morafe gore ba tshware ka thata kwa masimo ka gore ke maikaelelo a puso gore batho ba leme mme ba kgone go ijesa. Kgosi Sediegeng Kgamane o gakolotse morafe gore ba tshwanetse go dirisa methale ya temo ee tlhabolotseng ka gore go supagetse fa e ntsha maduo aa botoka mme ebile se seka ba thusa le gone gore ba rekise. O tsweletse ka gore sese itumedisang ke gore fa e sale go ntshiwa mophato wa ntlha ngwaga tse pedi tsedi hetileng banana ba kgatlhegela ditiro tsa Setswana. O gwetlhile batsadi gore ba rotloetse ban aba bone go nna le seabe mo ditirong tsa setso ka se setla dira gore ba gole ba na le maikarabelo mo setshabeng a tlatsa ka gore le botlhoka tsebe boka fokotsega. society 9 Maele o kopa Lerala go baakanya kgang ya balebeledi Mopalamente wa Lerala-Maunatlala, Rre Prince Maele, o kopile banni ba Lerala go baakanya kgang ya balebeledi ba lefatshe. Banni ba na le dingongora tsa gore go ntshitswe balebeledi ba lefatshe ba ba neng ba ntse ba le teng mme ba emisetswa ka dikgosana tsa motse wa bone. Rre Maele, yo gape e leng Tona wa Tlhokomelo ya Lefatshe, Metsi le Ditirelo tsa Kgopho ya Metsi a a Leswe, a re ka tsamaiso, balebeledi ba lefatshe ba tlhophiwa ke morafe kwa kgotleng mme fa e le gore ga go a diragala jalo banni ba tshwanetse ba baakanye kgang eo. A re go le gantsi balebeledi ba lefatshe ga se dikgosi mme ke bangwe ba morafe. Ka jalo o ne a bolela fa go ka seke go sologele banni molemo ope fa ba beile dikgosana go nna balebeledi ba lefatshe ka gore fa dikgosana tseo di atswiwa ke puso ga di na go atswiwa gape e le balebeledi ba lefatshe. A re fa banni ba ne ba ka baa bangwe ba motse go nna balebeledi ba lefatshe go ne go ka nna molemo ka ba ne ba tlaa atswiwa mme ba kgone go itshetsa ka madi ao. O ne a kopa banni go akanya gore ba ka baakanya kgang ya bone ya balebeledi ba lefatshe jang ka fa ba tswelela fela jalo ba sa e baakanye o tlaa kwala mokwalo o o supang fa a sa tsee tsia dikgosana tse di beilweng tseo go nna balebeledi ba lefatshe ka a na le dithata tseo. BOKHUTLO politics 7 Staller o itshetsa ka go letsa katara Bogologolo bodiragatsi jwa diletso bo ne bo direlwa go natefisa maitiso kwa meletlong e e farologanyeng e akaretsa manyalo mme se, mo bogompienong se fetogile. Go rotloetsa bodiragatsi le go godisa talente, puso ya lefatshe leno e bone go le botlhokwa go tsenya letsogo mo go epololeng le go tsosolosa talente ya Batswana ka go dira dikgaisano tse badiragatsi ba supang dineo le ditalente ka go farologana mme ba ikgapele dimpho tse di rothisang mathe. Mongwe wa badiragatsi ba diletso, yo talente ya gagwe e tsosolositsweng ke Rre Staller Mohorofi go tswa kwa Kokotsha, ke moletsi wa katara wa maemo a ntlha. Modiragatsi yo, o dingwaga tse di masome a mane le bone o sale a ithutile katara a sale dingwaga di le borobabobedi. Staller o kaile fa a ne a rutiwa katara ke mogaka wa katara moswi Andries Bok, mme a re o amule botsipa jo bontsi mo morutuntshing wa gagwe mme e bile a rata bodiragatsi jo fela thata. E re le ntswa a ithutile go letsa katara a sale mmotlana, a bo a nna le lerato le le kalo mo go yone, Staller a re go tlhoka seletso se go ne ga mo tlhokisa boroko mme a felela a itiretse setinkane go kgotsofatsa lerata le go nyorelwa go letsa katara. O ne a tswelela le setinkane sa gagwe a nna a letsa fa a disitse, ka bontsi jwa nako e a e tshedileng a ne a bereka mo merakeng go leka go itshetsa le ba lelwapa la gagwe. Go ya ka moletsi yo, a re e ne e re fa a tsile malatsing a boitapoloso a bo a leletsa ba lelwapa la gagwe setinkane mme e bile mo go ne go ba kopanya ele lelwapa, go tsisa monyenyo le boitumelo mo dipelong tsa bone; mo le ba lelwapa la gagwe ba neng ba utlwa botlhoko fa boela mmerekong. A re lerato le, le ne la gwetlha motlogolo wa gagwe go bereka fela thata, mme a kgobokanya madi a go mo rekela katara, gore a tle a nne gaufi le bone. Staller o ne a fudugela kwa gae morago ga go amogela katara eo, mme a nna a tshwara ditiro tsa nakwana. Rre Mohorofi a re e ne ekete motlogolo wa gagwe o ne a dupelela kana a porofita gore puso e tla ntsha letsogo go lemoga le go rotloetsa talente ya gagwe le ya badiratsi bangwe ba ba tswanang nae, ka gone ga simolodisiwa dikgaisano tsa letsatsi la ga tautona. A re o ne a iteka lesego mo dikgaisanong tseo mme a tswelela fela le tsone ngwaga le ngwaga, kwa a nnang a tswa ka maemo a bobedi fela nako le nako. Sekgantswane se, sa re se itumelela maemo a, le fa tota a itse fa a tshwanetswe ke maemo a ntlha, a re sebe sa phiri fela ke go bo a sa kgone go rulaganya mafoko a Setswana sentle jaaka bangwe ba a phadisanang le bone, a kaya fa ene a itse teme ya ga bone thata go feta Setswana, eleng Sesarwa. “Tota ke tshwanetswe ke maemo a ntlha, ka fa ke e kgoma katara o ka botsa gore a moswi Andries Bok o tsogile gape, ka ke letsa fela jaaka a ne a letsa, fela ke gore ga ke itse go ala mafoko a Setswana ke isa molaetsa kwa bareetsing, ka jalo ke sone ke felelang mo maemong a bobedi mme legale go tla siama”, Staller a tlhalosa. Ntleng le kwa dikgaisanong o letsa mo meletlong e e farologaneng e tshwarelwang kwa Kokotsha, e bile gape o tumile ka go leletsa banni ba motse. Dipina tse a setseng a kgonne go di itlhamela tsa Setswana di tharo, ebong. Ke tlhabilwe ke phatsa fa gare ga dirope; Dumelang Batswana le My darli wame my sister waka. Dipina tse dingwe ke tsa puo ya Sesarwa. Keletso ya ga Rre Mohorofi ke go gatisa dipina tsa gagwe. A re ka motlogolo wa gagwe a itse go bala le go kwala gape a mo ikanya thata, o ka mo kwalela dipina tse, gape a nne mmapatsi le motlhokomedi wa tsa moopelo wa gagwe. “Ke eletsa go gatisa moopelo wame le gore o ka lediwa mo seromamoweng jaaka morutuntshi wame moswi Andries Bok, ka se e tlaabo ele go tlotlomatsa morutuntshi, le go mo gopola ka thuto le talente e a e tlogetseng,”se se builwe ke Rre Mohorofi. Mohorofi a re o motlotlo fela thata ka talente e ya gagwe e mo thusa go itshetsa, e tlosa bodutu mo lwapeng la gagwe gape e tsisa boitumelo, popagano, kagiso le lerato mo lesikeng la gagwe. Modiragatsi yo, o lebogile morutuntshi wa gagwe go bo a ne a se pelotshetlha mme a mo rutile go letsa katara, godimo ga tsotlhe a re o leboga Modimo ka talente e a mo fileng yone le mowa le pelo e ntle e a e fileng morutuntshi wa gagwe gore a bo a mo rutile katara le gone go mo thusa go lemoga talente ya gagwe ka bonana. Motlogolo wa ga Staller o supile fa talente ya ga malomaagwe e le sengwe se segolo fela thata mo go ba lesika, e bile a kaya fa maitiso a go reetsa malomaagwe a letsa katara a ntsha banana ba lesika la bone mo mebileng le boikgapho mo ditirong tse di maswe. E re le go ntse jalo, motlogolo o ngongoregile ka batho ba ba tsietsang malomaagwe ba mo neela madi a kwa tlase ka a sa itse go bala le go kwala. A re o eletsa go bona malomagwe a tsweletse, le talente ya gagwe e godile go feta, a tlatsa ka gore o ya go leka gotlhe go bona gore malomaagwe o fitlhelela ditoro le dikeletso tsa gagwe. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Dipholeche di tsholetsa Dikatlholo Mme Sarah Dikatlholo wa Letlhakane o dira dipholeche tsa bodilo jwa matlo a semente le a bodilo jwa letsopa. Mme Dikatlholo a re o sela dipolaseteke a di apaya mme morago a tsenye dikerese le parafini fa motswako o o sena go tsidifala gape o ntse motogo mme a o sefe. Morago o tsenya metswako ya mebala e e farologanyeng e bile e le dinkgisa monate. A re o eme ka lekwalo la bosupa morago ga gore a foufale mme morago ga go fola a tsena mo thekisong ya ditamati. O supile fa bareki ba gagwe ba ditamati e le bone ba gwetlhileng gore a simolole go dira dipholeche ka a re ba ne ba nna ba mo galeletsa ba bona bodilo jwa ntlo ya gagwe bo phatsima ka dinako tsotlhe. A re o simolotse ka ngwaga wa 2014 mme fa ngwaga o ya fifing a tlhaselwa ke magodu mme kgwebo ya boela morago go se go nene. Mme Dikatlholo a re o apaya dipholeche ka emere ya 25litres mme a kale ka dithini tsa 500ml tse a tlhalositseng fa a di sela mme a di rethefatse go di bolaya bogale mo melongwaneng. O boletse fa dipholeche tsa gagwe e le tsa seemo se se kgatlhisang e bile di nkga monate. “Tse ga di pakolwe ke letsatsi,di nna di phatsima fela.” O rotloeditse batho segolo jang bomme go tla kwa go ene gore a ba amuse talente ya gagwe gore e re fa a iketse badimong ba sale ba tsweledisa fa a emeng teng le go mo gakologelwa. A re bareki ba gagwe ke banni ba motse wa Letlhakane le ba ba nang le dikgwebo ba a tlhalositseng fa a ba fokoletsa tlhwatlhwa fa ba reka ka bontsi. economy_business_and_finance 3 Ba ga-e-golelwe ba lebogela dikitso le maele Baithuti ba thuto-ga-e-golelwe kwa Mulambakwena ba lebogetse lephata la thuto go bo le ba ogotse mo isong ka dikitso le dithuto tse ba di anywang. Baithuti ba tlhalositse fa ga-e-golelwe e se go ithuta go bala le go kwala fela mme e le tsela nngwe ya go anywa maele a botshelo le dikitso tsa sennela ruri tse ba tlaa di dirisang go itlhabolola le go rudisa itsholelo. Mongwe wa baithuti bao, Mme Chandapiwa Rapson yo o dingwaga tse di masome matlhano le boraro o supile fa a na le lesedi ka dilo di le mokawana. A re o kgona go bala tiro ya bana ba gagwe ya sekole ka tshosologo ntle le dikgoreletsi dipe. E re ka baithuti ba ba rutwa le ditiro tsa diatla, Mme Rapson o tlhalositse fa ene a ithutile go dira mekgabisa ka dipampiri, dibaga le go loga, a supa gape fa a itse le gone go kwala leina la gagwe. O rotloeditse Batswana go anywa thuto-ga-e-golelwe moro, go tlhabolola matshelo a bone ga mmogo le go ipetlela isago. Mme Tafa Mudongo le ene o ne a tlhalosa fa a ne a sa itse lefoko lepe la Setswana, ka jalo se, se ne se mo ketefalela go dira le go tsaya karolo mo ditirong le mediro ya mo gae. A re morago ga go inaakanya le sekole se, o kgona go ipobola le go thusa fale le fale a sa tshabe gore batho ba tlaa mo ja setshego kana ba tshabe go dirisanya le ene segolo jang ba ba sa itseng Sekalaka. Go ya ka Rre Moses Kethoilwe, yo o simolotseng dithuto ka 2013, ga go sepe se se mo kgoreletsang ka a itse go bala le go kwala ga mmogo le gone go betla, mo a itshetsang ka gone. Ntle le go betla, Rre Kethoilwe o ithutile go dira mekgabisa ka dipampiri. A re o tlaa tswelela a ipela ka thuto-ga-e-golelwe ka a le se a leng sone ka yone. O tlhalositse fa a ikaelela go tsweledisa dithuto tsa gagwe go fitlhelela ka lokwalo lwa bosupa. Baithuti ba, ba re e re ka ba ne ba tsena dikole ka nako ya Bechuanaland, ba ne ba sa anywe go le gontsi jaaka mo nakong eno. Ba supa fa ba ne ba rutwa go bala le go kwala, selo se se neng sa nyelela fa ba ntse ba gola. Ba ne ba tlhalosa fa ka thuto ga-e-golelwe ba kgona go isiwa kwa dikoleng tsa ditiro tsa diatla di tshwana le sa Impala, Madirelo le tse dingwe go tlhabolola dikitso tsa bone. Ba supa fa sebaka se ba se fiwang kwa dikoleng tseo se le se khutshwane go ka ithuta mo go tseneletseng. Baithuti ba ba rutwa go loga diaparo le ditlatlana, go betla, go apaya, go dira mekgabisa ka go farologana ba dirisa dipampiri, go roka, go bopa dinkgo le tse dingwe. Morutabana wa sekole seo, Mme Oteng Waniwa o ne a supa fa gantsi tiro ya diatla e le motlhofo go dirwa e bile e le bogadi bogaufi, ka jalo a gwetlha batsadi go e ikatumetsa, go inaakanya le ga-e-golelwe go phatsimisa matshelo a bone. O supile fa bontsi bo santse bo saletse kwa morago ka tsa go bala le go kwala, bangwe ba retelelwa ke go thusa bana ka tiro ya sekole, ka jalo a kopa batsadi gore ba seka ba tlhajwa ke ditlhong go ikwadisetsa go tsenelela dithuto tsa go bala le go kwala. education 4 Badiri ba botsogo ba ruta setshaba Badiri ba botsogo kwa Selebi Phikwe ba ne ba phuthile morafe go ba ruta ka ditirelo tse ba di fang setshaba le go tsaa megopolo mo go bone ka fa ba ka tokafatsang ditirelo tsa bone ka teng. Rre Motlhalosi Tlotleng, yo o eleng mogolwane wa sepatela sa Selebi Phikwe, o tlhalositse gore batho ba tlhoka thuto e e tseneletseng gore barutwe ka koloi e e dirisiwang go thusa batho ba ba tlhokang thuso ya potlako. Rre Tlotleng o tlhalositse gore koloi ya thuso ya potlako ga se e e rwalang balwetse kwa malwapeng a tlhalosa gore Batswana bangwe bana le mokgwa wa gore e re motho a ikutwa gore ga a tsoga a bo a nna fela a re koloi ya puso e teng e tshwanetse go mo latela kwa lwapeng. A tlhalosa gore puso ga ena madi a a lekaneng go nna ba latela balwetse kwa malwapeng. Rre Tlotleng o tsweletse ka gore nako e tsile ya gore Batswana ba emele botsogo ja bone ka dinao. O tlhalositse gore puso e dirisa madi a mantsi go dira dipitso tsa botsogo le gone go dira dipapetlana tse di rutang ka tsa botsogo mme go gakgamatsa go bona batho ba santse ba goga dinao. O tlhalositse gore Batswana ba tshwanetse go tsaa tsa botsogo ka tlhwaafalo ka gore ba fiwa ditlamelo tsa mahala mme kwa mafatsheng a mangwe batho ba sokola go di bona. Mme Onalethata Nkwe yo eleng moanamisa mafoko wa Selebi Phikwe District Health Management Team o tlhalositse gore maikaelelo a botsogo pitso ke go fitlhelela batho ba ba sa kgoneng go ya dipateleng ka mabaka a a farologaneng le go tsaya megopolo mo bathong. Mme Nkwe o ne a tlhalosa gore le fa se baneng ba se ikaeletse se sa dirafala ka bane ba solofetse batho ba ka tshwara lekgolo ba solofela gore molaetsa o tla goroga ka go bo baemedi ba dikgaolo tse di farologaneng ba ne ba le teng, a re o tshepha gore ba tla fitisetsa molaetsa kwa bathong. BOKHUTLO education 4 Ntlo ya borobalo ya baithuti kwa Mphuthe e shele Ntlo ya borobalo ya baithuti kwa sekolong se segolwane sa Mphuthe kwa Letlhakeng e jelwe ke molelo. Mogolwane wa batlhokomedi ba baithuti ba ba nnang kwa sekolong seo, Mme Kemo Seboko, a re go belaesega fa baithuti bangwe ba basimane ba tlogetse emere e ba thuthafatsang metsi ka yone e tshubilwe. O tlhalositse fa ba sa letlelele gore bana ba ithuthafaletse metsi kwa matlong a borobalo. Mme Seboko o supile fa ba tlhatlegela bana metsi kwa isong ka ditanka tse ditona. A re le ntswa ba kgalemile ka tiriso ya diemere, baithuti ga ba emise go di tsenya mo sekolong ka bokukuntshwane. O tlhalositse fa molelo o bonwe ke barutabana ba sekolo se se botlana sa Letlhakeng, mme ba tlhaba mokgosi. Mme Seboko o boletse fa go shele materase, dikobo, diaparo, dibuka, paka ya sekolo le tse dingwe. O tlhalositse fa go nna basimane ba le lesome le bobedi mo ntlong eo. Mogolwane wa setima molelo go tswa kwa kampeng ya masole ya Thebephatshwa, Rre Kabo Modise, o supile fa dikgaolo ka bontsi di sena ditima molelo mme go botlhokwa gore ba ithute ka ipabalelo fa ba tlhasetswe ke molelo. Rre Modise o kaile fa bagolwane ba motse ba ka ikopanya mme ba ba kwalela ba kopa go tla go rutwa ka ipabalelo, a supa fa se se diragetseng se le kgatlhanong le itshireletso. O tlhalositse fa ba fitlhetse molelo o setse o timilwe ke ba ditimamolelo go tswa kwa Molepolole. health 6 Monna o kgwathela go keteka mokapelo E rile bosheng Rre Tshekiso Tshekiso wa motse wa Tonota a atlholwa dithupa di le tlhano morago ga go bonwa molato wa go keteka mokapelo wa gagwe Mme Chandapiwa Lekhutlile. Kgosi Pogiso Sekoko, yo o neng a tsamaisa tsheko o boletse fa e ne yare Phatwe a tlhola malatsi a masome a mabedi, Rre Tshekiso wa dingwaga tse di masome a mararo le bone le Mme Lekhutlile wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano ba tlhoka kutlwisisano mme mosekisiwa a felela a mmeditse ka setilo sa sepora mo tlhogong. Rre Tshekiso yo o neng a lebisiwa molato wa go tlhoka go itshwara sentle mo setshabeng o ipone molato mme a kopa lekgotla go mo sekegela tsebe ka a na le ngwana le mongongoregi mme ele ene a mo tlhokomelang. Kgosi Sekoko o kaile fa molato oo dirilweng o ka isa motho kgolegelong sebaka se se sa feteng ngwaga mme ka jalo a mo utlwela botlhoko ka go mo atlhola dithupa fela. Mo tshekong e nngwe, Rre Mompoloki Mongadi le ene o sekiseditswe go tlhoka go itshwara sentle mo setshabeng morago ga go ketekela Rre Lesego Kebonye bojalwa jwa chibuku. Rre Mongadi ga a ka a ipona molato ka a tlhalositse fa Rre Kebonye a ne a fetogela tumalano ya bone ya gore ba amogane bojalwa jwa bone sentle ka a re ba ne ba tlhakanetse madi a go reka bojalwa joo. Kgang e ne ya tshololwa ka mabaka a gore mongongoregi o ne a seka a iponatsa fa pele ga lekgotla. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Setlhopha se koba bobotlhokatsebe Banni ba Poloka ba tlhamile setlhopa sa mmino wa dikhwaere ka maikalelela a go lwantsha botlhoka tsebe. Moeteledipele e bile e le mosimolodisi wa setlhopha se, se se bidiwang Dinaletsana Rre Thato Botshelo 29, o tlhaloseditse BOPA fa botlhokatsebe jwa banana bo ne bo sa mo jese diwelang, mme a tlhama setlhopha se. Rre Botshelo o kaile fa moono mogolo e le go hapha banana mo nnotaging ka go ba tsenya mo ditirong tse di mosola mo matshelong a bone go na le go gogagogana le mapodisi morago ga go dira melato ba le mo sediding sa nnotagi. O tlhalosa fa ba dira se ba sa lebale ngwao ya Setswana ka gantsi dipina tsa bone ba di tlhama ba lebile go boloka ngwao le go e ruta ba ba tswang kwa tlase. A re banana ga ba nne le nako e ntsi go gobeya mo mebileng ka bontsi jwa nako ba e dirisa mo khwaereng mme pheletsong ba nne le go itse fa ba direla motse wa bone leina le lentle. O boletse fa setlhopha se, se tlhamilwe monongwaga ka kgwedi ya Hirikgong e bile se setse se na le maloko a le masome mararo a a ikiteileng sehuba go gatela pele ka maitlamo a ba a ipeileng pele. Rre Botshelo o tlhalositse fa ba tshwaragane le bagolo le babereki ba motse go ba fa dikgakololo ka tsamaiso ya khwaere, a re se se ntsha maduo fela a nametsang. O tlhalositse fa ba ne ba tsere karolo mo dikgaisanyong tsa ga Tautona e bile ba dirile bontle thata ba lebile gore setlhopha se santse se fatlhoga, a re ba tsere maemo a bone mo legatong la ntlha mme ba fetela pele kwa ba tsereng maemo a bo lesome le boraro mo ditlhopheng di le masome a mararo le boraro. Rre Botshelo o supile fa ba le mo ikatisong e mashetla go itlhokoletsa dikgaisanyo tsa dikgaolo tse e tlaabong e le lantlha ba di tsenelela mme ba na le tumelo ya gore ba tlaa dira bontle. Le fa gone kgolo e bonala, Rre Botshelo o boletse fa motse wa bone o le kgakala le mme se se ba bay aka fa mosing go bona dithuso ka nako le go goroga kwa diofising ka nako ka dipalamo di le boutsana le yone puisano ya megala e le dingalo ka maranyane a kgona go kgaoga. Rre Botshelo o kgothaditse banana go ipelega ba seka ba leba fela mo pusong go ba direla sengwe le sengwe. ENDS arts_culture_entertainment_and_media 0 Banni ba rotloediwa go amogela diphetogo Banni ba Mapoka, Nlapkhwane le Masukwane mo kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima ba kopilwe go amogela diphetogo tse di amileng metse eo morago ga kgaoganyo melelwane ya dikgaolwana. Ba kopilwe jalo ke mopalamente wa bone, Rre Charles Tibone mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng eo bosheng. O boletse gore, o ne a bona go tshwanela gore a rwale ditlhako go ya go ba tlhalosetsa melelwane ntswa ba ka tswa ba di utlwile. Rre Tibone o ne a ba itsese fa phetogo eo, e dirwa morago ga palo batho le tshekatsheko ya dikgaolo le dikgaolwana, a re dipalo di ne tsa supa fa kgaolo ya Tati Botlhaba e na le palo e e fa godingwana mo go ya Tati Bophirima mme ga baka gore kgaolo ya bone e fiwe diphatlha tsa bokhanselara di ferabongwe. Lekoko le le neng le sekaseka sesha dikgaolo tsa botlhophi ngogola, le ne la fudusa kgaolwana ya Ditladi mo Tati Bophirima go ya kwa Tati Botlhaba le go fudusa kgaolwana ya Ramokgwebana go tswa mo Tati Botlhaba go ya Tati Bophirima. Go tlodisediwa ga kgaolwana ya Ramokgwebana kwa Tati Bophirima, go ne ga tlama gore kgaolwana e nngwe ya Tati Bophirima e phatlaladiwe gore di nne boferabongwe mme ya re komiti e e neng e kgaoganya dikgaolwana e dira tiro ya yone, ditaola tsa yone tsa wela kwa kgalolwaneng ya Nlapkhwane e pego ya yone e supileng fa e le yone e phatlaladitsweng. Phatlalatso eo, e ne ya isa motse wa Nlapkhwane kwa kgaolwaneng ya Mapoka fa motse wa Masukwane o le one o neng o wela ka fa tlase ga kgaolwana ya Nlapkhwane, o ne wa isiwa kwa kgaolwaneng ya Mosojane. Rre Tibone a re le fa go ntse jalo, makhanselara a bone a nako eno a tlaa goga le bone go fitlha go iwa ditlhophong tsa 2014, a re mme fela mo ikwadisetsong ditlhopho tsa setshaba e e tla simololang kgwedi ya Phalane e tlhola gane go fitlha e le masome a mabedi le bosupa, ba Nlapkhwane le Masukwane ba tlaa bo ba dira jalo ka fa tlase ga dikgaolwana tsa bone tse di sha. Mopalamente o ne a ba kopa gore phetogo e e seka ya ema pele ditlhabololo pele mo metseng ya bone, a re metse e e welang mo kgaolwana e le nngwe e tshwanetse ya bereka e le seopo sengwe, dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di dirisana, e bile di tshwarganela ditogamaano tsa ditlhabololo. Rre Tibone o ne a tswelela ka go ba tlhalosetsa fa go sena ope yo mo nakong eno a ka nnang le dithata tsa go senyolola pego eo, a re fela ba tshwanetse ba itse fa melelwane ya sepolotiki e sa amane le ya bogosi. Banni ba ne ba supa fa ba le sebete se molangwana ka pego eo, ba kgala komiti e e neng e dira tiro ya go kgaoganya dikgaolwana, ba re ba ipotsa gore e ne e lebeletse eng, ka le yone megopolo e e neng ya ntshiwa ke banni ba kgaolo ya Tati Bophirima e sa diragadiwa. Bangwe ba ne ba supa fa phetogo eo e tlaa thatafaletsa makhanselara ba dikgaolwana tseo go dira tiro ya bone, bogolo jang ka ba tlaa bo ba okeleditswe palo ya metse. Ba tsweletse ba ngongorega ka dipalo tsa palo batho e e sa tswang go dirwa, ba re ga e a dirwa sentle ka dipalo di sa tsamaelane le palo ya batho ba ba mo metseng ya bone. Bokhutlo politics 7 'Dirisang dipalamo tse di itekanetseng' Modulasetilo wa komiti ya ipabalelo tseleng kwa Boteti, Rre Bahithi Keiphokotse o kgothaditse maloko a dikereke ka go farologana go ela tlhoko gore ba thapa dipalamo tse di itekanetseng jaaka ba tsaya maeto go ya go keteka malatsi a paseka. Rre Keiphokotse yo gape eleng mothusa molaodi wa kgaolo ya Boteti, o buile jalo ka Matlhatso kwa bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke komiti ya ipabalelo tseleng mo kgotleng ya Letlhakane, go tsibosa maloko a dikereke go ikela tlhoko jaaka ba tsaya mosepele go hema dikotsi. Rre Keiphokotse a re, lephata la ipabalelo tseleng le dule ka moono wa go tsibosa le go ruta dikereke ka tsa ipabalelo tseleng ka malatsi a paseka, ka go lemosegile fa ele bone ba tsayang maeto thata ka malatsi a. O ne gape a ba gakolola gore ba ka hema dikotsi tsa tsela ka go ipaakanyetsa mosepele nako e santse ele teng, go itsa gore ka motsotso wa bofelo ba bo ba tsaya sepalamo sengwe le sengwe se se gaufi ba sa netefatsa pabalesego ya sone. Mothusa molaodi Rre Keiphokotse a re, go lemosegile gore maloko a dikereke ga ba nke ba ipaakanyetsa mesepele ka nako le mororo ele e tsamaiwa ngwaga le ngwaga. A re, selo se se dira gore ba tsamae bosigo, ka dipalamo tse di sa tlhatlhobiwang ke ba ipabalelo tseleng gore di itekanetse go ka tsaya mosepele, mme di felele di ba latlha mo tseleng kana di ba bakela dikotsi. O tsweletse ka go kopa dikereke gore fa ba thapa sepalamo, ba ele tlhoko gore se nale teseletso ya go pega setshaba le gore mokgweetsi wa sone le ene o filwe teseletso ya go kgweetsa koloi tsa setshaba, le gone go tlhomamisa gore ga a kake a intontela nnotagi a ntse a tsweletse le mosepele. O ba kopile gape gore ba fe mokgweetsi sebaka sa go itapolosa jaaka ba tsamaya mosepele o mo leele, gore a seka a tloga a baka kotsi ntateng ya letsapa kgotsa a thulamela. O supile gape gore baruti ba fiwa tlotlo e e kwa godimo ke maloko a dikereke, ka jalo ba dirise seo go tlhomamisa gore botlhe ba ba nang le keletso ya go tsamaya le kereke ka nako ya paseka ba dira tsotlhe tse di tlhokwang go baakanyetsa mosepele go sale nako, go itsa go dira sogwa-sogwane ka motsotso wa bofelo. Mothusa modulasetilo wa komiti ya ipabalelo tseleng ya Boteti, Superintendent Modiredi Khumo le ene o tlhalositse gore maloko a dikereke a amiwa thata ke dikotsi ka nako ya paseka mo bangwe ba felelang ba tlhokafetse. Superintendent Khumo o supile gore dikotsi di ka bakiwa ke dilo tse di farologaneng di akaretsa go tlhoka go obamela melao ya tsela, go tlhoka go itekanela ga dipalamo, go kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo le go tlhoka go dirisa mabante gore bapagami ba balesege ka nako tsotlhe. Rre Khumo o ba kopile go begela mapodisi fa bakgweetsi ba sa ba kgweetse sentle kana ba tsamaya ka lebelo le le kwa godimo, a re, go dira jalo ba a bo ba somarela matshelo a bone. Rre Gaebolae Motsamai go tswa mo lephatheng la ipabalelo tseleng o kopile maloko a dikereke ba ba neng baka tlala seatla gore, ba ithute go tlhatlhoba diteseletso tse di fiwang bakgweetsi le dikoloi tse ba tsamayang ka tsone go tlhomamisa gore ke tsa boammaaruri. Rre Motsamai o supile gape gore o tshwenngwa ke beng ba dipalamo ba ba kopang diteseletso tsa nakwana tsa go pega setshaba ka motsotso wa bofelo, selo se a reng se baka mosuke kwa diofising tsa bone le go siiwa ke nako ya ba ba tsayang mosepele. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Ipabalelo mo tirong e botlhokwa Babereki ba rotloeditswe go nna ba ipabaletse ka dinako tsotlhe go hema dikotsi tse di ka diragalang mo lefelong la tiro. Ba gakolotswe se mo thuto seka dipuisanong e e neng e rulaganyeditswe badiri ba lephata la Water Affairs kwa Mahalapye ka Labobedi. Thuto seka dipuisano e, e ne e le go tlhagisa badiri ka ipabalelo ya matshelo a bone le didirisiwa tsa mo tirong. Modiri wa lephata la Water Affairs, Rre Ngaparelang Makwete a re ba ne ba bona go le botlhokwa go tshwara thuto seka dipuisano e gore babereki ba tle ba itse ditsela tsa go itlhokomela mo dikotsing. Rre Makwete a re dithoto le tsone fa di sa bewe sentle di ka nna borai mo go bone mme e bile gape le tsone di ka senyega motlhofo. A re babereki ba tlhoka didirisiwa gore tiro ya letsatsi e tswelele, mme fa di senyegile tiro ga e tswelele le fa ba gobetse mo tirong, tiro le yone ga e tswelele. Modiri wa lephata la ditima molelo mo Mahalapye, Rre Moses Mokotedi o ne a bolelela babereki gore ba tshwanetse go nna le kitso ka didirisiwa tse ba di dirisang le gore ba tshwanetse go di dirisa jang. Rre Mokotedi a re ba lemogile gore Batswana fa go na le se se shang ba ya go kgobokana ko lefelong la tiragalo mme ba sa itse se se bakileng molelo. A re se se borai ka go ka nna ga thunya fa molelo o ntse o tsweletse go tswa fela gore o bakilwe ke eng. A re dithoto di tswanetse gore di bewe ka tsela e e leng gore fa molelo o ka tlhagoga, batho ba ka kgona go bona tsela ya go ka iphalotsa motlhofo le fa mosi o thibile. A re dilo di tshwana le dipampiri, dipeterole le diparafini ga di a tswanelwa go bewa go bapa ka di ka oketsa go kekela ga molelo. A re go tshwanetse ga nna le didirisiwa tsa go tima melelo tse di farologaneng go ya ka gore molelo o bakilwe ke eng, ka e mengwe e sa timiwe ka metsi jaaka bontsi bo dira. Rre Molatlhegi a re babereki le baeng ba tshwanetse go kwadisiwa malatsi otlhe fa ba goroga mo tirong gore e re fa dikago di ka sha ba bo ba kgona go bona gore a bangwe ga ba a kaelelwa mo teng ga dikago. O ne a ba gakolola gore ba nne le kitso ka thuso ya potlako gore mongwe ka bone fa a ka tlhagelwa ke kotsi ba itse gore ba ka mo thusa jang. Bokhutlo education 4 FSG e simolodisa thulaganyo ya diphitlho Kompone ya FSG e simolodisitse thulaganyo ya diphitlho kwa Mmopane. Thulaganyo e, e e kaiwang e le bonolo go dirisiwa, go solofelwa e tlaa thusa batho ba motse oo go ipaakanya go sa le gale mogang ba tlhagelwang ke dintsho. Thulaganyo e gape e kaiwang e se turu, e tlaa fa maloko sebaka sa go itirela diphitlho tse di fang seriti. E rile a bua kwa tshimolodisong semmuso ya thulaganyo eo mo boemong jwa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mopalamente wa Chobe, Rre Ronald Shamukuni o bolelela banni ba Mmopane Block I gore tshimolodiso ya thulaganyo ya diphitlho mo motseng wa bone ke nngwe ya ditlhabololo tse di amogelesegang ka gore e tlaa thusa ba le bantsi go boloka masika le ditsala ka tlhompho le tlotlo ’hularong sa bone. Rre Shamukuni o tlhalosa gore mo dipakeng tsa segompieno tse diphetogo tsa botshelo jwa gompieno di tsereng phekelo e sele, go ntse go a bonala gore ka bonya ka bonya batho ga ba nne le nako ya go tshela le batsalwa le bone mme selo se se felele se dira gore go nne thata go rulaganyetsa go fitlha masika le ditsala mo go nitameng. Ka jalo, mopalamente o tshwaetse gore ditlhabololo tsa go tshwana le tse di tlaa thusa batho go ipaakanyetsa motlha wa phudugo ya bone mo lefatsheng le le ka kwano ka gore motlha oo one mme o tlaa tlela mongwe le mongwe ka go twe leso ga le bitse yo o ganang. Fa godimo ga moo, o gwetlhile khamphani ya FSG go tswelela e tlhatlhelela batho dithuto le dikitso e le tsela nngwe ya gore le bone e nne ba-tsaya karolo mo dithulaganyong tse di ka sologelang setshaba molemo. Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Mmopane Block I, Rre Moemedi Mokgachane o tlhalositse gore o bone go le maleba go simolodisa lenaneo le morago fa a sena go lemoga gore gantsi go bokete go ithulaganya fa go na le dintsho mme go nne bokete go rulaganyetsa diphitlho ka ntata ya botshelo jwa gompieno jo bo tletseng dikgwetlho. A re fa gongwe go felela go nna bokete gore batho ba tlhome letsatsi le motho a tlaa bolokwang ka lone fela ka gore ga gona madi a sephutho. Moemedi a re fa gongwe golo mo go felela go dira gore bana ba tshabe go tla gae ka lebaka la gore go a bo go lebilwe mo go bone. Jaanong o tlhagisitse gore go tila diemo tse, ke gore batho ba ipaakanye ba bo ba ithulaganyetse diemo tse nako e sa le teng. A re ka one mabaka a, ba ne ba lemoga gore batho fa ba ka ikgobokanya go tsena mo thulaganyong ya diphitlho le ba FSG, lemme le le ntshiwang le felela le le kwa tlase thata mo ba ka sekeng ba babalelwe go na le fa motho a ithulaganyetsa a le nosi. Rre Mokgachane o tladitse ka go re go ithulaganyetsa diphitlho go bolokela puso madi ka batho ba bangwe ba hitlhwa ka thulaganyo ya bommaboipelego ntswa ba na le masika. A re FSG e tswa kgakala e ntse e na le motlhala, ka jalo e ka tshephiwa ka go fa ditirelo tse di nang le boleng. Moemedi wa mokgatlho, Mme Lynn Hobona le ene o tlhalositse gore e ne ya re Rre Mokgachane a sena go bona seemo sa kgaolo ya gagwe a tla kwa go bone gore ba mo thuse. Ba re ba ne ba mo gakolola gore thulaganyo e e ba siametseng ke e batho ba ka ikwadisetsang go nna maloko mme fa dipalo tsa bone di le dintsi ba duela madi a a a kwa tlase ga P30. Ka jalo ba ne ba ba rulaganyetsa gore ba ka bona sephutho sa lekesi la P14 800, dijo tsa P2 750, moswi a bewa mahala kwa setsidifatsing sa Lynns kgotsa Kagiso o bo o isiwa mahala kwa mafelong a a kwa tlase ga dikhilometara tse di makgolo mabedi. Fa godimo ga moo, ba direlwa lenaneo la dithulaganyo tsa phitlho di le makgolo mabedi le sethunya se se nnang fa godimo ga lekese sa P100. Mme Hobona a re madi otlhe a sephutho a maloko ba ka fitlhwang ka one ke P21 858 mme bone ba ntsha P25 fela. O weditse ka go re go dira jaana go dira gore motho a nne le seriti ka o a bo a iphitlhile. Maloko gape a kgona go kwadisa masika le ditsala ba ba eletsang go ba fitlha. Kwa bofelong, ba kompone eo, ba lebogile Mokhanselara Mokgachane go menagane go bo a dirile lenaneo la go tshwana le le mo kgaolong ya gagwe ya Mmopane Block I le Gaphatshwa a lebile matlhoki a bone. BOKHUTLO society 9 Bomme le banana ba ka dira diphetogo Modulasetilo wa lekalana la bomme mo phathing ya Umbrella for Democratic Change (UDC), Mme Rhoda Sekgororoane a re bomme le banana ba nale dithata tsa go fetola puso ka jaana ba le dipalo dintsi mo lefatsheng. O buile jalo kwa phuthegong ya phatlatsa e e neng e rulagantswe go supa ntlhopheng wa mopalamente wa Maun Bophirima ga mmogo le bontlhopheng ba bokhanselara ka Matlhatso. A re mafatshe a mangwe a a mabapi jaaka la Aferika Borwa a bone boikhutso ka bomme le banana ba ne ba ikemela ka dinao go fetola puso ka ba ne ba tshelela mo bokgobeng. A re ka 1962 kwa Aferika Borwa, bomme ba ne ba ema ka dinao kgatlhanong le puso ya nako eo, mme ya re ka 1976 banana le bone ba ntsha tlhogo ba supa fa ba lapisitswe ke go gatelelwa. Mme Sekgororoane a re le mo Botswana ga go pale sepe gore bomme le banana ba ka dira jalo. O gwetlhile bomme le banana go ikwadisa le go tlhopha ka dipalo tse di kwa godimo, a tlatsa ka gore, nako e gorogile ya gore phathi e e busang e imololwe morwalo ka jaana e paletswe ke go direla Batswana. O kopile Batswana go ema UDC nokeng, ka go e neela tlhopho jaaka ngwaga ono go iwa ditlhophong tsa setshaba. A re, phathi eo, e nale baemedi ba popota ba ba ka emelang dikeletso tsa Batswana ba sa oshaoshe. Mme Sekgororoane a re, lefatshe leno le tlhoka moeteledipele wa motia yo o berekang le batho sentle, a tsaya dikgakololo tsa bone. O kopile banni ba Maun Bophirima go tlhopha Rre Tawana Moremi yo o emetseng bopalamente. A re, o supile fa a nale bokgoni jo bo tseneletseng go ba emela. A re, Rre Moremi yo eleng mopalamente mo nakong eno, lentswe la gagwe le a utlwala kwa palamenteng, jalo seo ke sesupo sa gore o tlhokafalo teng. E ne ya re a lekodisa boidiidi jo bo neng bo tshologetse tiro eo, ntlhopheng wa bopalamente wa kgaolo ya Maun botlhaba Rre Osimilwe Fish, a tlhalosa fa kgaolo e aparetswe ke lehuma le ntswa e humile ditsa-tlholego. A re, letlhoko la ditiro ke selelo se se tona le ntswa puso e gakaditse selelo seo ka go emisa letsomo mo kgaolong. Rre Fish a re, dipalo tsa letlhoko la ditiro di ile magoletsa ka batho ka bontsi ba latlhegetswe ke ditiro. O tsweletse a re, gompieno jaana Baherero bangwe ba bone go le botoka go boela ga bone kwa Namibia ka jaana ba babaletswe ke manokonoko a lehuma. Mokwaledi mogolo wa UDC, Rre Gomolemo Motswaledi o tlhalositse fa e rile ba simolodisa mokgatlho wa bone, ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo gore ba itlama go tlisa pharologanyo mo lefatsheng leno. A re, ba ne ba supa fa ba itlama go lwantsha dikgwetlho tse di lebaneng tshaba eno, ka maikaelelo e le go bona Batswana ba tshela botshelo jo bo duleng diatla bona le seriti. A re, ba ne ba supa gape fa ele ba UDC ba tla netefatsa gore thuto e nna ya boleng jwa bo kwa godimo, e bile e ka sologela bana molemo. A re, ntlha e nngwe ke go netefatsa gore itsholelo e a itshetlela e bile e akolwa ke Batswana ka kakaretso. Rre Motswaledi a re, kgaolo e tshwana ya Ngamiland e e humileng thuo ya dikgomo le ditsa- tlholego, ba ikaelela go netefatsa gore khumo eo e akolwa ke benggae. O tsweletse a re, ba batla gape puso e e phepa, e e direlang ditsamaiso tsa yone mo pontsheng e sa tseye matlhakore le gone go netefatsa gore Batswana botlhe ba akarediwa mo ditsamaisong go sena ope yo o bewang ka fa mosing. O kopile Batswana ka kakaretso go tlhopha UDC mo ditlhopheng tse di tlang a re, ka thotloetso ya bone, ba ka bona phetogo mo matshelong a bone. politics 7 Ntwa kgatlhong le kgokgontsho e tswa tema Tona wa Pereko le Selegae, Rre Edwin Batshu, a re malatsi a a lesome le borataro kgatlhanong le kgokgontsho ya bomme le bana a tlhomilwe ke lekgotla la mafatshefatshe go itebagantswe le go lwantsha kgokgontsho ya bomme le bana. Rre Batshu o buile seo ka tshimolodiso ya segopotso sa malatsi a a lesome le borataro kgatlhanong le kgokgontsho ya bomme le bana kwa Nkange, ka Mosupologo, Ngwanaatsele a tlhola malatsi a masome mabedi le botlhano. A re malatsi ao a itebagantse le go diga mokaloba wa kgokgontsho ya bomme mme a tla wela ka Sedimonthole a tlhola lesome; mo go lone letsatsi leo e tlaabong e le letsatsi la ditshwanelo tsa setho. A re fa e sale go bolotswa ntwa kgatlhanong le kgokgontsho, puso e itemogetse maduo a a nametsang. O kaile fa se e le sesupo sa gore setshaba se simolotse go tsibogela dikgang tsa bong ka tlhoafalo. O ile a gwetlha setshaba ka kakaretso go goga mmogo go sireletsa bomme le bana, le go tlhomamisa gore ba akola ditshwanelo tsotlhe tse molao o di ba neetseng. Tona Batshu o tsweletse a supa fa bone e le ba lephata la pereko le selegae le makalana a a ikemetseng, gammogo le babega dikgang, ba ikemiseditse go tlhomamisa fa tekatekano ya bong e le kgang e ba tshwanetseng go itebaganya le yone go akarediwa batswasetlhabelo gammogo le badira molato. O ne a gatelela ka gore go akaretsa borre mo ntweng kgatlhanong le kgokgontsho ya bomme le bana, go ka thusa bana ba basimane go lemoga bodiphatsa jwa go sokamela ka fa dikarolong dingwe tsa ngwao di ba tlhalosang ka teng. A re tshwaragano le tirisano mmogo ya bomme le borre ke yone e rotloeditseng lefatshe leno go simolodisa segopotso sa go ipelela letsatsi la mafatshefatshe la borre. Tona a re lephata la gagwe le loga maano a lenaneo la go lwantsha kgokgontsho letsatsi le letsatsi mo ngwageng, ba lebile gore kgokgontsho e diragala tsatsi le letsatsi; lenaneo le a le kaileng ka, ‘365 Day Action Plan’. O ile a supa fa tiriso botlhaswa ya nnotagi e le nngwe ya tse di gakatsang kgokgontsho. Rre Batshu o boletse fa letsholo leo le tshwanetse go tiisa batho moko go tswa ka methale e e ka thusang go lwantsha matlhoko a tshwana le kgokgontsho ya bana, tlhakanelo dikobo le bana, tiriso botlhaswa ya dinotagi le melato epe fela ya tshotlo le kgokgontsho. Mogolwane wa lephata le le itebagantseng le dikgang tsa bong, a re maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go gwetlha bakgokgontshi go fetola mekgwa ya bone le go tsisa kitso mo Batswaneng ka dikgang tse di amanang le kgokgontsho ya bomme le bana le manokonoko a tsisiwang ke kgokgontsho. BOKHUTLO society 9 Mabitla a bagaka ga a tlhokomelwe Kgosikgolo ya Bangwaketse, Kgosi Malope o ngongoregile ka mabitla a mo go one go robetseng dikgosi le bagaka, a go bolelwang a tlhabisa ditlhong ka a sa teratelwa e bile a tlhogile ditlhare le tlhaga. Kgosi o buile jalo mo potsolosong bosheng, gore mabitla ao a, a Mmalekwa kwa Kanye, a tlhabisa ditlhong thata ka go sena yo o kgathalang ka one. O boletse fa a sa ntse a dirisiwa mme a sa tlhokomelwe sentle. O boletse fa kwa mafelong a mangwe mabitla a tlhokomelwa ke morafe le khansele, a gatelela seemo se se sa itumediseng sa mabitla a a reng ga a lebege jaaka a magosi. Kgosi Malope o boletse fa a kile a leka gore a kopanye mophato wa gagwe mme ka maswabi bontsi jwa bone ele babereki ba ba sa nneng mo Kanye, jaanong go le thata go kopana sentle. O kopile morafe wa Bangwaketse go ithaopa go bona gore mabitla a Mmalekwa a lebega sentle. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ba sa batleng maina a bone a bolelwa ba ngongorega thata ka fa mabitla a ntseng ka teng le mororo e le a bogosi le bagaka ba bogologolo ba ba neng ba tlhabolola e bile e le bogogi mo motseng wa Kanye. Go bolelwa fa mabitla ao a fitlhile balaodi ba makgoa ba bogologolo, baruti, dikgosi, masole le baefengele ba nako eo. Bokhutlo society 9 Takataka ga a tshwane le tshoo lick to see more pictures Mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto, Mme Neo Tsietso, o iteetse legofi makgarejwana le makawana go tswa mo metseng e e kgakala le ditlamelo mo kgaolong ya Kgalagadi Bokone, morago ga gore ba abele dikole tse dipotlana tsa Maitshoko le Ncaang makgolo a matlhano a dipula sekole sengwe le sengwe, le se segolwane sa Lehututu mesangwana ya basetsana, e le tsela nngwe ya go rotloetsa thuto. O supile fa ka 2012 puso e ne ya bolotsa letsholo la gore dikgwebo tse di ikemetseng gammogo le batho ka bongwe ka bongwe ba ikabele dikole mo dikgaolong e le tsela nngwe ya go thusa puso morwalo. Mme Tsietso a re lenaneo leo, le ne le rokotsa mathe mo dingwageng tse tlhano le sena go simolodisiwa ka jaana bontsi bo ne bo tla ka mmetela go araba dilelo tsa dikole mo dikgaolong ka go farologana. Ka maswabi, Mme Tsietso a re gompieno dipaka di fetogile, ka jaana ba itemogela kwelo tlase ya dipalo tsa barotloetsi mme a supa fa seo e le letshwenyego ka jaana seemo sa dikolo ka bontsi di santse di lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya ditsompelo. Le fa go le jalo, o ne a akgolela makgarejwana le makawana ao a bo a ba kgothatsa gore ba tswelele ka mowa wa bopelotlhomogi ka ba ka tsisa pharologanyo mo matshelong a banni ba dikgaolo tsa bone go nna a a itumedisang. Fa a tswa la gagwe, Mme Oratile Mosenene a re ba ne ba tswa ka mogopolo wa go otlolola letsogo kwa go ba ba tlhokileng lesego mo botshelong, mme ba tla ka mogopolo wa go kokoanaya madi. Mme Mosenene a re ba ne ba tlhwatswa dikoloi gammogo le go rekisa dijo e le tsela ya go kgobokanya madi go ka thusa go fitlhelela mogopolo wa bone wa go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. A re ba ne ba kgona go kokoanya P3 495 a ka one ba neng ba rekela baithuti ba sekolo se se segolwane sa Lehututu mesangwana ya bomme le marokgwe a ka ga teng a bana ba ba basimane. Mme Mosenene a re mesangwana eo, e tlaa thusa bana ba basetsana ka jaana bangwe ba nna kgakala la batsadi le gone gore ba seka ba tlolwa ke dithuto ka nako ya fa ba le mo setswalong. Fa a a maikaelelo a go aba ga batsenelela kgaisano ya mmabontle le rabontle, mothusa mokwaledi wa khansele, Rre Joseph Banyatsang, o ne a supa fa kgaisanyo eo ya bommabontle le borabontle e tshwarwa ngwaga le ngwaga. A re maikaelelo magolo ke go epolola le go godisa talente mo bananeng ba ba nnang mo metseng e e kgakala le ditlamelo, selo se a kaileng. Gape a re go aba go tlaa thusa setlhopha seo gore se seka sa inyatsa ka jaana le bone ba na le bokgoni jaaka monana mongwe le mongwe yo o nnang kwa ditropong le metse e megolwane. A re mo kgaisanyong eo, ba rotloediwa go tsenya letsogo mo ditirong tsa bopelotlhomogi mo tikologong e ba tshelang mo go yone e le tsela e nngwe ya go ba rutuntsha gore ba ka emelelana le diemo tsa botshelo jang. Mogokaganyi wa lenaneo la Remote Area Development Programme Rre Aidoo Leshope, o ne a supa fa thuto e le yone konokono mo go tlhabololeng motho. Ka jalo o ne a gwetlha ba khansele-potlana le makalana ka go farologana gore ba seka ba ipona tsapa ka go nna ba ikatumetsa banni ba metse e e kgakala le ditlamelo go nosetsa thuto mo go bone, a supa fa seo se ka ba solegela molemo mme ba kgone go fetola matshelo a metse ya bone. education 4 A bosupi bo tshwarwe sentle Ke tshwanelo gore fa go dirwa ditlhotlhomiso tsa borukhutlhi bongwe le bongwe go tseewe sepe se se ka dirisiwang ele bosupi fa pele ga lekgotla go thusa mo go atlholeng badira molato. Fa a bua mo thuto seka dipuisanong e e neng e itebagantse le go lwantsha bogodu jwa leruo mo kgaolong ya Legare, mosekisi yo lebaganeng le tsa leruo go tswa mo lephateng la bosekisi jwa setshaba, Rre Onkutule Gaselape, a re ele batlhotlhomisi le ba bosekisi ba itemogetse gore mo mabakeng a le mmalwa ba latlhegelwa ke dikgetsi tsa tsheko ka mabaka a go latlhelela kgotsa go sa tshwara bosupi ka matsetseleko. Mosekisi Gaselape a re matlalo a dikgomo tsa bogodu a a tseewang mo badira melatong ga a tshwarwe sentle ka a kgona go bewa mo ditlhareng fa eleng gore a kgona go nyelela, go bo go sa itsewe gore a ka tswa a tserwe ke badira molato kgotsa ke dibatana. O boletse fa go na le diemo tse o fitlhelang bangongoregi ba fiwa kgotsa ba busediwa dilo tse di tshwanetseng go dirisiwa ele bosupi kwa kgotla tshekelong di tshwana le dikgomo, a bo e re fa tsheko e setse e ya go tsena go fitlhelwe di tshwailwe, di bolailwe kana go twe ga di bonwe; mme se se pateletse gore kgang e tshololwe ka bosupi bo a bo bo tlhaela kgotsa bo kgotlhelesegile. A re go ngomola pelo ka fa ba sepodise ba sa tlhokomeleng bosupi ka teng ka bo kgona go nyelelela mo dikantorong tsa bone, kwa go tsweewang gore bo babalesegile e bile bo kgona go felela bo tlhakatlhakane go sa tlhole go itsewe gore eng ke eng. O ntshitse kopo ya gore bosupi bo tseewe dinepe ka ele tsone fela di ka ba thusang fa go setse go nna le marara. Fa a tswelela o ne a re bosupi bo ngaparediwe kgotsa bo direlwe mokwalo o o bonalang, le gore mongwe le mongwe yo o amanang le jone a rurifatse seo ka mokwalo ka go sa dira jalo go ka ama boleng jwa kgetsi kwa kgotla tshekelong. Rre Gaselape a re ele ba bosekisi le bone ke batho ba ba nang le maikutlo, a tlhalosa fa ba utlwa botlhoko tota fa ba bona Batswana ba amogwa leruo la bone le ba le kokotletsang ka tshokolo motlhofo ke magodu a leruo, ka ba fenya dikgetsi ba bo ba itsamaela fela ba sa bonwa molato ka lebaka fela la go sa tshwara . Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Emang barutabana nokeng Mothusa kgosi kgolo wa Batlokwa ,Kgosi Michael Gaborone, o gakolotse batsadi go thusa barutabana le go tshwaraganela thuto ya bana ba bone le bone. Kgosi Gaborone o boletse se ka Matlhatso mo thuto seka dipuisanyong ya batsadi le barutabana ko sekoleng se segolwane sa Nanogang e eneng e tseneletswe ke batsadi le barutabana e moono wa yone o neng ore, “karolo ya motsadi mo thutong ya ngwana; go gatela pele (mile stone) mo go tleng ka maduo a a siameng mo thutong”. Kgosi Gaborone o tlhaloseditse bokopano joo fa le bogosi bo tsaya karolo mogo thuseng bana le go ba gakolola go tlotla batsadi ba bone, a re ga go a tshwanela gore batsadi ba ikgatolose bana ba bone ka e le bone ba nnang le bone ka nako tsotlhe ebile ba ba itse botoka. Kgosi o boletse fa go le botlhokwa gore botlhe ba tseye karolo le go emana nokeng mo kgodisong le thuto ya bana gore go nne le maduo a a nametsang, a tlatsa ka go gakolola batsadi go rotloetsa bana fa ba tsena ko lapeng ba tswa sekoleng go bona gore a ba dirile tiro ya bone ya sekole lego leba dibuka tsa bana fa ba tswa sekoleng. Fa a buwa ka maikaelelo a letsatsi leo Morutabana mo sekolong seo Mme Obonetse Masalila o tlhalositse fa bokopano joo bo rulagantswe go tsibosa batsadi ka dikgang tse di amang bana, nnotagi, tiriso ya diritibatsi le bojwalwa, go ruta batsadi ka botlhokwa jwa go tlhokomela bana kwa lwapeng. Mme Masalila o tsweletse a tlhalosa fa maikaelelo a bokopano joo e ne e le go lemotsha, go ruta batsadi ditlamorago tsa go sa tlhokomeleng baithuti le go ba ikgatolosa, le go ruta batsadi ka botlhokwa jwa bone mo thutong ya bana ba bone, ga mmogo le go ruta batsadi seabe sa bone le tiro ya bone mo thutong le kgodiso ya bana le matshelo a bana ka kakaretso. O boletse fa thuto seka dipuisanyo eo e atlegile fela thata ka batsadi ba tsibogetse pitso eo ka dipalo tse di kwa godimo abo a ba akgola go tswelela ba dira jalo, a tlatsa fa ba lemogile ele barutabana ba ka se kgone bana ba le nosi kwa ntleng ga batsadi ba tsaya karolo. A re ga gona jaaka ba ka kgona tsotlhe go sena batsadi ba bana ka gore batsaya karolo botlhe mo thutong ya ngwana ba tshwanetse go ema ka dinao, a tlatsa ka gore thulaganyo eo e nna ngwaga le ngwaga mme e rulagantswe ke bogogi jwa sekole e eteletswe ke ba lephata la baithuti la bokaedi le bogakolodi e le tsela gape ya go ruta batsadi go itse go tshwara lego tlhokomela bana kwa lapeng. Go tswa mo lephateng la bokaedi le bogakolodi mo sekoleng seo morutabana Mme Botlhale Mogotsi o boletse fa go le botlhokwa go tlhatlhelela batsatsi ka botsipa jwa go tlhokomela baithuti ga mmogo le go lere botlhe ba ba amegang mo thutong ya ngwana mmogo le go buisana ka dikgwetlho tse di teng le go tla ka ditharabololo tsa tsone. Mme Mogotsi o gakolotse batsadi fa gole botlhokwa go thusana ka kgodiso ya ngwana lego mo thusa gore o ka ithuta jang botoka, a re ke sone se ba berekang le komiti ya batsadi le barutabana ka nako tsotlhe ka ele bone boemedi jwa batsadi. Mme Mogotsi o boletse fa thuto seka dipuisanyo eo e thusa batsadi ba ba nnang ba lela ka bana ba bone ba ba tlhokang tsebe le go fetola maitsholo a bone bogolo jang fa ba setse ba dira lokwalo la boraro, a re bana ga ba reetse batsadi ba itaola mme batsadi ba aga ba tla go lelela mogo bone ele barutabana. Mookamedi wa lephata la ba boipelego Rre Kgomotso Jongman o ile a ruta batsadi ka setlhogo se se reng botlhokwa jwa motsadi le kgolo ya ngwana, Fa Mogolwane wa sekole Mme Baitse Kebobone a ile a ruta ka setlhogo sa botlhokwa jwa seabe sa batsadi mo thutong ya ngwana. Rre Mothei Sejakgomo yo ikileng a nna motshwariwa kwa kgolegoleng o rutile batsadi ka fa motho a golang mo botselong jwa borukhutlhi le go arogana le bone ka botshelo jwa kwa kgolegolong le gore gantsi fa ba gololwa go nna dingalo gore setshaba se ba amogele gape le go lemoga gore ba fetogile. Mogakolodi wa tsa semowa (Spiritual mentor) Mme Kushata Woto o ile a ruta batsadi ka setlhogo se se reng botlhokwa jwa go ruta bana ka tsa semowa mo kgolong ya bone. Batsadi ba ile ba nna le sebaka se go botsa dipotso le gone go akgela mogo se ba rutilweng ka sone le go ntsha itemogelo ya bone mo go godiseng bana.Letsatsi leo lene la natefisiwa ka moopelo ke khwaere ya sekole. education 4 Gaborone o lebogela kago ya matlo Khamphani ya Image Civil Engineering le khansele potlana ya Mogoditshane-Thamaga di lebogetswe go supa lerato mo batlhoking ka go ba agela matlo a bonno. E rile a bua kwa kabo semmusong ya matlo a ga Rre Mokgethi Moswang le Mme Difedi Lentswenyane kwa Mmankgodi bosheng, mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Olebile Gaborone a tlhalosa fa go abela batlhoki go gwetlhiwa ke mowa wa lerato o makgotla oo mabedi a o supileng mo batlhoking ba. Rre Gaborone a re go botlhokwa thata gore batho ba ba lesego mo botshelong ba lebe letlhoko la ba ba tshelang le bone mme ba ba thuse. O tsweletse a re kopo ya ga tautona ya gore go lebanweng go bonwe fa letlhoko le mathata a leng teng e a diragadiwa. O kopile bana ba batsadi ba bone ba abelwang matlo go a tlhokomela ka kitso ya gore ke matlo a batsadi ba bone. A re go ka ngomola pelo gore e re morago ga go abelwa matlo, ba palelwe ke go a tlhokomela le go a somarela.O kopile bana bao gore ba seka ba sutisa batsadi ba bone mo matlong ao gonne a agetswe bone. A re matlo a a abelwang batlhoki, bana ba nna mo go one ka e le a batsadi mme ga ba a tshwanela go leka go a ba amoga. Fa a tswa la gagwe, Rre Moswang o supile fa a phophoma ka boitumelo a bo a tlhalosa fa a ntse a kokonelwa ke go tlhoka ntlo. Mme Lentswenyana le ene o kaile fa a itumeletse go abelwa ntlo mme a bolela fa a kopa Modimo go okeletsa ba ba mo duleng thuso. Ntlo ya ga Rre Moswang e agilwe ke ba kompone ya Image Civil Engineering ka P76 000 fa ya ga Mme Lentswenyana e agilwe ke ba khansele ka P90 000.BOKHUTLO society 9 Barutabana ba Mokobeng sekao Mokwaledi wa lephata la thuto go tswa kwa moding Mme Bridget John o galaleditse barutabana ba sekole se segolwane sa Mokobeng mo kgaolong ya Sefhare/ Ramokgonami go nna sekao ka go agela Mme Malebogo Madidimela ntlo ya bonno. A re tiro e ba e dirileng e tlaa aga mo banning ba Mokobeng e bo e ruta baithuti ba sekole se barutaabana bao ba direlang mo go sone gore ba tshwanetse ba kgathale ka ba ba bapileng le bone mme ba bone gore a ba na le tse di tlhokwang ke motho jaaka dijo, diaparo le bonno. O ne a bua jalo bosheng kwa Mokobeng jaaka fa a ne a rolela Mme Madidimela ntlo eo. A re morutabana ke ene a fang baithuti tsela e bile baithuti ba beile mo go ene go betla bokamoso jwa bone. Mme John a re tiro e barutabana ba sekole seo ba e dirileng e supa tshwaragano e e tshwanetseng e dirwe ke badirelapuso fa ba direla mo metseng ka go farologana, a tlatsa ka go re go botlhokwa ka go a supagala gore badiri ba sekole sa Mokobeng ba tshwaragane le batsadi ba motse mme seo se tlaa ba thusa go dirisanya le bone mo go tsa thuto. Mme John a re tshwaragano ya barutabana le ba motse wa Mokobeng e ne gape ya ba thusa go bona Mme Madidimela mme se se supa fa barutabana bao ba eletsa gore go tshelwe sentle. A re ngwao ya Batswana ke Botho mme se barutabana ba se dirileng se supa se Batswana ba leng sone. Mme John o ne a kopa batsadi go thusa barutabana mo dikgannyeng tsa didirisiwa tsa sekole di tshwana le dibuka. A re fa moithuti a filwe dibuka batsadi ba tshwanetse ba thuse bana go di tlhokomela ka puso ga e na madi a go emisetsa dibuka tse fa gongwe di a bong di senyegile kana di latlhegile. A re baithuti ba tshwanelwa ke go somarela dibuka tse ba di fiwang kwa sekoleng ka di tsile go dirisiwa ke baithuti ba ba tlang kwa morago ga bone. Mme John o supile matshwenyego ka dikago tsa dikole tse a reng dingwe di sa tswa go ntshafadiwa mme di setse di le makgasa, a bolela fa batsadi ba tshwanetse ba tshwaragane le barutabana go thusa go somarela dikago tsa dikole. Fa a bua ka ntlo e e agetsweng Mme Madidimela mogolwane yo o okametseng tsa thuto mo kgaolong ya legare Rre Sonny Mooketsi o ne a kopa gore go seka ga nna le ope yo o e tsayang kana a mo kgopakgopetsa mo go yone. A re ntlo ya ga Mme Madidimela ke ya gagwe le bana ba gagwe mme e seka ya rekisiwa kana ya tsewa ke ope. Barutabana ba sekole sa Mokobeng ba ne gape ba rekela baagi ba Mokobeng ba ba neng ba ithaopa go aga ntlo eo ntle le dituelo dipe didirisiwa tsa kago. education 4 Ditlamelo di kgona go oka bagwebi Go agiwa ga ditlamelo tsa kgopho ya metsi a a leswe mo Molepolole go tlaa thusa go okela bagwebi le ditlhabololo tse dingwe mo motseng oo. Seo se boletswe ke mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Daniel Kwelagobe. E rile fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa kgotlaneng ya Leologa bosheng, Rre Kwelagobe a re madi a a ka tshwarang P40 million a abetswe tiro ya go aga ditlamelo tsa kgopho ya metsi a a leswe le go patlalatsa metsi mo motseng ka di ne tsa diega ngogola. Rre Kwelagobe a re motse wa Molepolole o ntse o sa kgone go oka ditiro tse ditona tsa ditlhabololo tse di tlhokwang thata jaaka kago ya diofisi tsa mapodisi le tse dingwe tse di lekanang le yone ka bogolo. O boletse gore sekolo sa ithutelo booki se batlile go tlhoka go bulwa ntateng ya mathata a a amanang le kgopho ya metsi a a leswe. A re go tlhokafala ga ditlamelo tsa go nna jalo go ama kgolo ya motse mme le Molepolole e le motse o motona mo lefatsheng leno ka o na le batho ba bantsi, o tsweletse ka go fetwa ke metse e e tshwanang le Palapye le Kanye. A re diofisi tsa mapodisi mo metsing e mebotlana jaaka ya Letlhakeng le Sojwe di botoka thata fa di tshwantshanngwa le ya Molepolole ntswa e le one motsemogolo wa kgaolo ya Kweneng o letlhakeng le Sojwe di leng ka fa tlase ga one. Rre Kwelagaobe o boletse gore Molepolole e santse e le one fela motse o mogolo o o nang le matlwana a boitiketso a lehuti a le mantsi mme a kopa morafe go dirisa ditlamelo tseo ka go gokela diphaephe tsa malwapa a bone mo phaepheng e tona ya kgopho ya metsi a a leswe. O boletse gape gore fa go nang le ditiro tse dikgolo tsa kgopho ya meets a a leswe, go dumalanwe gore metsi a a tswang mo matamong ao a bowe a dirisiwe gape ke batho go fokotsa letlhoko le le kanankana la metsi le le tsweletseng mo Botswana. Rre Kwelagobe o boletse gape gore boranayane jo bo dirisiwang go tlhatswa metsi go tlaa a dira gore a siamele go nowa jaaka mafatshe Namibia le South Africa a setse a dirisa metsi a go nna jalo kwa ntle ga matshosetsi a pe mo matshelong a batho. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Mapodisi a Mochudi a tlhotlhomisa leso Mapodisi a Mochudi a tlhotlhomisa leso la mosadimogolo mongwe mo kgotleng ya Boseja kwa Mochudi. Assistant Superintendent Kabelo Bome o tlhalositse fa e ne ya re kgwedi eno e le masome a babedi le borobabobedi ba amogela pego e e supang fa mosadimogolo wa dingwaga tse di sa tlhomamisiwang ke mapodisi a ne a nwa tee mme a tlhokafala morago. Asst Supt Bome a re go ne go sena dipelaelo tse di neng di supa gore mosadimogolo a ka tswa a bolailwe ke tee go fitlhela banna bangwe ba bararo ba ragosediwa kwa kokelong ya Deborah Retief morago ga go nwa tee. Mogolwane wa mapodisi o boletse fa banna bao ba ne ba roroma le go fufula morago ga go nwa tee. A re morago ga tiragalo e, ba ne ba nna le dipelaelo tsa gore mosadimogolo a ka tswa a bolailwe ke tee eo. Ass Spt Bome a re banna bao ba santse ba robaditswe kwa sepateleng fa moswi ene a emetse go tlhatlhobiwa ke dingaka go rurifatsa se se ka tswang se mmolaile. Mo go tse dingwe Ass Spt Bome o ne a tlhalosa fa Bakgatla ba ketikile botsalo jwa morena go sena makgwere ape a tlhalosa fa ba sa gatisa dikotsi dipe tsa tsela. Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Ba rotloediwa go tshegetsa dikgafela Kgosi Kgari Sechele III o rotloeditse Bakwena go tswelela ba tshegeditse ngwao ka dikgafela. O buile jalo kwa moletlong wa go ipelela dikgafela kwa kgotleng kgolo ya Mogoditshane. Kgosi Kgari a re moletlo wa dikgafela o mosola ka o rotloetsa morafe go isa thobo kwa kgotleng e le sesupo sa gore ba ne ba lemile mo pakeng e e sa tswang go wela mme thobo eo e le go isa ditebogo ga mmogo le go kopa masego le matlhogonono a go nna le paka ee latelang ya temo ee nonofileng. O tlhalositse gore jaaka dikgafela di direlwa kwa kgotleng, go tshwanetse ga salwa morago tsamaiso ya setso jaaka kapari, le mmino oo natefisng a bolela fa go tshwara moletlo oo, goo fa sebaka sa go ipela le gone go bona gore letsatsi leo le ka tokafatswa jang mo nakong ee tlang. A re moletlo wa dikgafela ke tiro ya morafe mme ka moo ba tshwanetse ba kopana go bereka mmogo ka go kgobokanya madi le thobo. Ka jalo a re morafe ga o a tshwanela go ikaega ka puso go diragatsa letsatsi la ipelelo thobo. Kgosi Kgari Sechele III a re e re ntswa morafe wa Bakwena kwa Mogoditshane o kopane le merafe e mengwe, ga ba a tshwanela go latlha ngwao ya bone mme ba tshwanetse ba tsaya boikarabelo jwa go e tshegetsa gore e seka ya nyelela. O kgothaditse batsadi go rotloetsa bana go nna le seabe ka go tsenelela moletlo oo gore batle ba ithute ngwao mo batsading ba bone. A re seo se ka dira gore banana ba tswelele ba tshegeditse ngwao le go e fetisetsa kwa dikokomaneng tsa ka moso. Mongwe wa banana ba ba neng ba tsene letsatsi leo Mme Lesang Kopelo a re o ithutile ka tsamaiso ya dikgafela le gore di tshwarelwa kwa kgotleng ele bontlha bongwe jwa go tshegetsa ngwao. A re gape o ithutile gore ka letsatsi leo go apewa dijo tsa Setswana ka go farologana di akaretsa bogobe jwa lerotse, loswao le tse dingwe. Mme o tlhalositse gore dijo tseo mo nakong ya gompieno gadi motlhofo go apeiwa kwa malwapeng, ka jalo o nnile le sebaka go ja monate kwa letsatsing leo. Mme Kopelo a re gape o kgatlhilwe ke maitiso aa farologaneng a tshwana poko, dikhwaere le mmino wa setso e bile a diragadiwa ke banana jaaka ene. A re maitiso a mofuta oo ga a motlhofo go bonala mo nakong ya gompieno le fa go supa gore banana ba le ditswerere, mme a rotloetsa gore ba seka ba ipona tsapa go tswelela ba ipelela ngwao ka bokgoni jwa bone. Morulaganyi wa komiti ya dikgafela Kgosi Michael Khayambia a re ke ngwaga wa boraro ba ntse ba ipelela dikgafela mme ba ipelega go rulaganyetsa letsatsi leo ele banni ba Mogoditshane e bile ba sa kope dithuso dipe mo pusong go iragatsa letsatsi leo. A re ba ne ba ikgaoganya ka dikgotlana di le masome mane mme ba dumalana go apaya bojalwa jwa setso, go isa thobo ya bone ya mmidi, marotse le tse dingwe. O tlhalositse gore mo godimo ga tseo, kgotlana nngwe le nngwe e ne e ntsha koleke ya 10kg ya setampa ga mmogo le 10kg ya mabele gore di apewe ka letsatsi leo. Kgosi Khayambia a re gape go nnile le baithaopi ka go farologana jaaka ba ba nnileng le seabe sa go ntsha kgomo, moriti wa tante, dikgong le tse dingwe. A re komiti eo ene e kgobokantse madi a selekanyo sa P5000 mme a dirisiwa mo ditirong tse dingwe tsa go baakanyetsa letsatsi leo. A re o leboga dikhamphani ga mmogo le batho botlhe ba ba nnileng le seabe mo go baakanyetseng letsatsi leo a tlhalosa gore seabe sa bone se nnile le mosola mo go fitlheleleng maikaeleo a bone. arts_culture_entertainment_and_media 0 Go nyafala ga mananeo bo ka kgoba marapo - Seretse Mopalamenete wa Kgaolo ya Lentsweletau/Mmopane, Rre Vincent Seretse a re go fefogela go thusa ka mananeo ke bodiredi go ka tsisa tsholofelo mo baikopeding. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Mogonono bosheng, Mopalamenete Seretse a supa fa go nna maoto a tshupa go ka tsala boitlhobogo le go kgoba marapo ba ba nyoretsweng thuso. Mopalamenete Seretse, yo e bileng e le tona wa peeletso papadi le madirelo a re bodiredi bo tlhoka go tsholetsa dinao mo go diragadiweng ga mananeo ka jaana a ka tokafatsa itsholelo ya morafe go lwantsha lehuma. O gateletse botlhokwa jwa go diragadiwa ga lenano la ba-na-le bogole go fokotsa tiego ya go kanoka a re go emela go dira mogoro go ka se kgonege ka dinako tsotlhe. Rre Seretse o ne a tsibogela karabo ya mogolwane wa ba boipelego, Mme Botho Mbwe gore tiego ya go sekaseka ba-na-le bogole e ketefadiwa ke gore maphata a a amegang a bo a sa kgona go nna teng ka dinako tsotlhe go fefosa thulaganyo ya tshekatsheko. Rre Sesimanyana a re e re ka jaana go ntshiwa ga ditirelo go kgorelediwa thata ke tlhaelo ya dikoloi, ba dirile gotlhe mo ba ka go kgonang go tokafatsa seemo ka go oketsa dipalo tsa dikoloi go leka go fefosa go ntshiwa ga ditirelo le go araba matshwenyego a morafe. Mogolwane wa lephata la ofisi ya banana kwa kgaolong ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Moeti Godisamang, a re ba bapotse phage ka mangana go tlhomamisa go wediwa ga dikgang tse di saletseng morago tsa baikopedi ba lenaneo la banana. Rre Godisamang a re go kgaolo ya Mogonono ga e a lebalesega ka gope ka jaana ba sena dikopo tsa yone ntle le gore gongwe di bo di le kwa kgaolong ya Letlhakeng e e neng e ntse e thusa Mogonono. Rre Tirelo Ramoroka yo e leng monni wa motse, o ne a supa gore kgaolo ga e bone dithuso tsa mananeo ka selelo sa bodiredi gangwe le gape e nna tlhaelo ya dikoloi e go senang karabo ya gore e tlaa rarabololwa leng. Kgosi wa Mogonono, Mme Goitseone Sekgwa o supile matshwenyego ka go diega ga dipeo tsa ditsha tse a supileng di sale di dirwa mo kgaolong eo labofelo ka 2012, selo se a reng se kgoreletsang thata go tlhabologa ga kgaolo. Mokhanslelara Kolana Kolana a re tiego ya dipeo tsa ditsha mo kgaolong e kgorelediwa ke gore ba kabo ditsha ba supile fa molao o o fetotsweng wa kabo ditsha o tlhoka gore go bo go dirilwe moalo pele ga tlhabololo epe ya lefatshe e ka dirwa. A re o tshwenngwa ke gore tiego gape e dirwa ke go wediwa ga dikgang tsa go tsewa ga masimo ke ba kabo ditsha, a re go beile batho ba kgaolo ka fa mosing ka go ba rontsha go akola mananeo a go tlhabolola matshelo a bone. BOKHUTLO society 9 Ba bararo ba gobetse mo kotsing Mapodise a Mahalapye a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone koloi ya kokelo ya Mahalapye e neng ya amega mo kotsing ya tsela fa gare ga Radisele le Tewane ka Labobedi, Motsheganong a tlhola lesome le boraro. Go ya ka mookamela mapodise wa Mahalapye, Rre Amos Kekgathetse, kotsi e e diragatse ka nako ya bosupa mo maitseboeng, mme go bolelwa fa koloi e, e ne e tswa kwa sepateleng sa Nyangabwe. Rre Kekgathetse o tsweletse ka go bolela fa koloi e, e ne e na le bapalami ba le bararo ka nako ya kotsi e diragala go balelwa le mokgweetsi A re ditlhotlhomiso di supa fa mokgweetsi wa koloi ya kokelo a ne a fatlhiwa ke dipone tsa koloi ya mogobagoba e e neng e tswa kwa pele mme a latlhegelwa ke taolo. Mme mo maitekong a gagwe a go falola koloi ya mogobagoba o ne a thula dikgomo tse di neng di le fa thoko ga tsela. Boraro jo boneng bo palame koloi e bo amogetswe kwa kokelong ya Mahalapye kwa ba alafelwang dikgobalo tse di potlana, fa mokgweetsi yo o dingwaga di masome a mane le bone a ntshitswe mo kokelong go ya go ikokela kwa gae. A re bobedi jo bo robaditsweng mo kokelong ke mooki wa mme yo o dingwaga tse di masome a mabedi le bone. Mme yo o bone dikgobalo mo mokwatleng, mo tlhogong le mo legetleng la molema, fa wa molwetse yo go bolelwang a tswa kwa Maun a gobetse mo tlhogong gammogo le mo nokeng. Monna yoo wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano go bolelwa fa a ne a amega mo kotsing ya koloi e le lekgetho labobedi ka o amega jaana a tswa kwa Nyangabwe kwa a neng a alafelwa dikgobalo tsa kotsi ya koloi teng. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Tshwaragano le tumelo ke konokono Ba Evangelical Religious Protestant Unity Church ba lemotshitswe fa tshwaragano, tumelo le neelano di ka thusa mo kagong ya kereke, e seng madi a mantsi fela jaaka go atle go bolelwe. Se se boletswe ke Moaposetoloi Oabile Sedio wa Full Life Ministries ka Sontaga kwa moletlong wa thobo, o o neng o itebagantse le kago e ntsha ya kereke eo. Moaposetoli Sedio a re kereke e agiwa ka tumelo, ebile e tlhoka borre le bomme ba ba ititeileng dihuba. A re tiro ya Modimo e dirwa ka neelano; a kaya gore fa yo mongwe a suta go tlhoka gore yo o setseng a tsweledise. A re mookamimogolo wa pele wa kereke e o dirile tiro ka botlalo, ka gobo a kopile setsha se se tona, se le bone ba ka kgonang go aga mo go sone ka phuthologo. Rre Sedio a re selo sengwe se se tshwenyang ke gore baphuthegi ka bontsi ga ba tshephe baruti ba dikereke tsa bone, mo ba kopang dithapelo mo dikerekeng di sele. A re fa motho a sa kgone go fodisiwa ke merapelo ya baruti ba gagwe ga a kake a kgona go fodisiwa ke sepe; a re tota motho o fodisiwa ke tumelo ya gagwe. Fa a leboga mo boemong jwa ba kereke, mokhanselara wa pele, Rre Nelson Rowland, o ne a re gore ba kgone ke gore ba eme ka dinao botlhe. Rre Rowland a re fa phuthego e ka sala mafoko a ga Rre Sedio morago ba ka kgona se ba se ikaeletseng. O ne a ba kopa go tswelela ba tshwaragane, a re go seka ga nna le ope yo o siang; a supa fa go le molemo go siela kwa Modimong. O ne a wetsa ka go kopa phuthego go rapedisa kago ya kereke ya bone gore e wele. Madi otlhe a a dirilweng ka thobo e a ne a ka tshwara P91429.35. Madi a a dirilwe ke ditlhopha mo kerekeng ka go farologana, go balelwa sa bomme, bana ba sekolo sa tshipi, borre, banana, komiti ya kereke, le dikgaolo ka go farologana mo kerekeng. Le fa thobo e ne ele ya phuthego ya Kanye, go ne go laleditswe le diphuthego tsa kereke e go tswa Gaborone le Lobatse. Diphuthego tse dingwe e ne e le ya UCCSA le ya Methodist go tswa mo Kanye, ba le bone ba neng ba tsentse letsogo mo tirong e. Monngwe wa banana ba kereke e Mme Maroba Matlhare o ne a abela kereke P2 000 fa Rre Lesego Motsumi wa kereke ya Methodist ene a ne a solofetsa kereke eo dikgetsi di le supa tsa semente. Bokhutlo religion_and_belief 8 Dikwididi o lebogela 
motlakase Banni ba Dikwididi mo kgaolong ya Kgatleng ba lebogile puso go bo e
goketse motlakase mo motseng wa bone. E rile a a fa pego mo
 phuthegong e e neng e rulagantswe ke ba ofisi ya ga molaodi mongwe wa maloko a
komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Mme Mosadinyana Lephogole a supa fa
motlakase o tlisitse pharologanyo e ntsi mo motseng wa bone. Le fa go ntse jalo o ne a
kopa gore le kokelwana ya bone e gokelwe motlakase a tlhalosa gore go tlhoka
motlakase ko kokelwaneng ya bone go baya baoki ba bone le bone balwetse mo
diphatseng a tlatsa ka gore dinako tse dingwe baoki ba patelesega go bereka
bosigo le ntswa go sena se ba tshubang ka sone. Mo go tse dingwe Mme
Lephogole o ne a kopa gore ba thusiwe ka go agelela mabitla a motse oo a supa
fa bone e le komiti ya ditlhabololo ba sena ditsompelo gore ba kgone go dira
jalo. O ne gape a kopa gore sekolo sa bone se se botlana se
direlwe lebota a tlhalosa fa se bapile le marekisetso a bojalwa se a kaileng fa
se sa siama a tlatsa ka gore nako ka bontsi bana ba sekolo ba itewa tsebe ke
dilo tse di diragalang kwa lefelong leo. O tsweletse a kopa le leobo
la mo kgotleng a supa fa mo kgaolong ya bone makgotla ka bontsi a setse a na le
maobo a a tlhabologileng mme bone ga ba ise ba direlwe leobo le le siameng. Mme Lephogole o ne a bua a sa
kgwe mathe ka lefelo le ba eletsang go le dira la diphologolo a re e sa le ba
ikopetse setsha mme ba kabo ditsha ba Kgatleng ba maoto a tshupa go ba thusa. A re ba na le dingwaga ba
ikopela setsha seo mme nako kgolo ke eno mme o ne a tlhalosa fa ba tlaa felela
ba ya go ikuela kwa go Tautona ka sebele. O boletse gape gore ga ba na
mma-boipelego yo e leng wa bone a tlhalosa fa ba mo pataganetse le ba metse ya
Oodi le Matebele mme o ne a kopa molaodi go tsibogela kgang eo. O ne gape a supa matshwenyego
ka tsela ya Modipane-Dikwididi a re ga e mo seemong se se siameng a re e ba
senyetsa dikoloi a kopa gore e baakanngwe go hema dikotsi. Fa a tsibogela dikgang tseo
Mme Maitumelo Maemo go tswa kwa ofising ya ga molaodi o ne a supa fa ba tlaa
sala dikgang tsa bone morago go bona gore matsapa di a tsaya kae. Le fa go ntse jalo o ne a ba
tlhalosetsa gore maikaelelo a diphuthego tsa mofuta oo ke go tla go ruta
setshaba ka mananeo a puso le go utlwa gore a ditirelo ba a di bona mo
bodirelapusong. O ne a tshwaela gape a re
puso e lemogile gore ga gona ditiro bogolo jang mo bananeng mme a re e dule ka
mogopolo wa go dira mananeo a a akaretsang la Tirelo Setshaba, la ithutelo tiro
(internship)le go tlhama la ditiro tsa nakwana gore bogolo ba seka ba nna fela
. A re puso e na le maikaelelo
a go tlhabolola dikole ka go farologana le gone go tokafatsa thuto ya lefatshe
leno mme o ne a kopa batsadi go ema ka dinao le bone go tshwaraganela thuto ya
bana le barutabana. Molaodi Maemo o ne a tlhalosa
fa bontsi jwa batsadi ba sa tsibogele thuto ya bana a tlhalosa gore nako kgolo
ke eno. A re bangwe batsadi ba na le
mokgwa wa go dirisa bana botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo mme o ne a kopa
gore dikgang tsa mofuta oo di begelwe mapodise. Kwa bofelong o ne a kopa
dikomiti tsotlhe mo motseng oo go bereka ba le seopo sengwe a tlhalosa fa seo
ka bonosi se ka fetola seemo sa matshwenyego a mangwe mo motseng. politics 7 Batlhophisi ba kopilwe go sala molao morago Batlhophisi ba kopilwe go tsamaisa ditlhopho ba setse molao wa ditlhopho morago, gore ba kgone go di tsamaisa ka matsetseleko, di gololesegile gape ba sa tseye letlhakore. Mafoko a, a boletswe ke mogolwane wa ofisi ya ditlhopho, Mme Thandi Job, fa a ne a ba rutuntsha ka go tsamaisa ditlhopho. O ba kopile go tsaya ditlhopho ka tlhwaafalo, ba bule matlhophelo ka nako le gone go simolola go tlhophisa ka nako. Mme Job o ne a tlhalosa fa matlhophelo a tshwanetse go bulwa ka nako ya masome a mararo go tlogela nako ya borataro, mme a tswalwe ka nako ya bosupa maitseboa, kgwedi ya Phalane e le masome a mabedi le bone. O tlhalositse fa batlhophisi ba tlaa tlhopha kgwedi ya Phalane e le lesome le borobabobedi, a bo a bolela fa ba tshwanetse go tsaya didirisiwa tsa ditlhopho letsatsi pele ga letsatsi la ditlhopho. Mme Job o tlhalositse fa mookamela matlhophelo a filwe dithata tsa go laela mapodise go koba ope fela yo o sa itshwareng sentle kwa matlhophelong. O supile gape fa a tshwanetse go bula lebokoso le go latlhelwang ditalama tsa tlhopho mo go lone pele ba ka simolola go tlhophisa; go bontsha ba ba nang le ene gore ga le na sepe mo teng, a bo a le lotlela pele tiro e simolola. O boletse fa go tla nna le motlhophisi yo o tlaa tlholang maina a batlhophi kwa ntle ga matlhophelo, mme a kwale mo pampiring ya motlhophi gore leina la gagwe le mo tsebeng efe. O gakolotse batlhophisi go ela tlhoko gore omang wa motlhophi o mo tirisong, ka jaana ba na le go tlodisa seo matlho. O ne a tlhalosa fa motlhophi a tshwanetse go tla ka karata ya ditlhopho, Omang yo o mo tirisong le gore leina la gagwe le bo le bonala mo bukeng ya ditlhopho. Mme Job o tlhalositse fa bontlhopheng ba tlaa nna le balebeledi ba bone ba le babedi mongwe le mongwe, mme ba tshwanetse go ntsha lekwalo la itshupo. O boletse fa mookamela matlhophelo a tshwanetse go bona lekwalo leo fela, a bo a le busetsa mong wa lone. A re tlhopho e e tsewang e le yone, ke ya fa motlhophi a dirile letshwao eseng mokwalo, gape a tshwaile mo lebokosong go lebagana le sekano sa ntlhopheng. Mme Job o boletse gape fa mookamela matlhophelo a tshwanetse go bolela fa matlhophelo a tswetswe ka nako ya go tswala, mme a tshwanetse go laela mapodise go tswala diheke mme ba tswelele ba tlhophisa ba ba sa ntseng ba le mo matlhophelong. O boletse fa motlhophisi a sa tshwanela go itumelela ntlhopheng yo o fentseng, ka go dira jalo o tlaa bo a senya tlhopho. Mogolwane wa mapodise a Ramotswa Superintendent Mothusi Phadi, o ne a gakolola botlhe go ela tlhoko gore dikarata tsa bone tsa ditlhopho le tsa Omang di teng, di babalesegile. Bokhutlo politics 7 Temo ke khumo Batswana ka kakaretso ba kopilwe go tlhwaafalela go dirisa mananeo a puso a temo. Se, se builwe ke mothusa tona ya temo-thuo Rre Oreeditse Molebatsi kwa diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Mookane le Mmaphashalala bosheng. Rre Molebatsi yo gape a leng mopalamente wa kgaolo ya Tswapong Borwa, o kopile Batswana go tlhwaafalela temo ka puso e otlolotse letsogo go netefatsa gore ope ga a tswe kwa masimong a iphotlhere. A re, puso e neela balemi didirisiwa tsa temo mme sa bone ke go leta ba bo ba roba go ka a ja le go rekisa. O kopile Batswana gore ba ikwadisetse go fiwa dipeo, menontshane le tshefi nako e sale teng gore motlha wa temo ba bo ba eme sentle. O bile a kopa beng ba diterekere go rurifatsa gore tsotlhe di apere tsiamo go lemela Batswana. Mothusa tona o lekodisitse morafe ka dikgang tsa temo-thuo di akaretsa go rotloetsa balemi go lema ka ditselana, go agelela masimo le go tsenya dikgomo mangena. Fa ba tswa la bone, ba ne ba lebogela temo ya mono ngwaga, bogolo jang ka ba netswe ke dipula tse di namagadi. Kgosi Tsipana Tsipana wa Mookane a re, ka boammaaruri Morena o ba gopotse ka gompieno ba le mo pakeng e ba e itseng ya letlhafula jaaka mo bogologolong. Kgosi Tsipana o boletse fa dipula tsa monongwaga e ne e le tse di mashetla, mme ka jalo a re, ba tla dika ba sa bolawa ke tlala ka gore molemi mongwe le mongwe o setse sengwe kwa masimong. O ne a re, e re le ntswa dinonyane di itirelela ga tsone, ga go maswe thata, ba tla oba letsogo. Mokaulengwe wa gagwe kgosi ya motse wa Mmaphashalala Kgosi Captain Bagatiseng, le ene fela jalo o supile fa mono ngwaga e le ngwaga o monamagadi fela thata. Kgosi Bagatiseng a re, e re le ntswa bangwe ba lela ba re pula e sentse dinawa kwa masimong a bone, ene o dumela fa pula e ne e baakanya lefatshe ka le ntse le le mo komelelong e tona. A re, jaanong lefatshe le bokgola go baakanyetsa temo e tlang ka mashetla, mme le ene a kopa Batswana go tshwarelela mo temong go ijesa. Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa komiti ya balemi ba Mookane Rre Ditoi Tsebekgale, a re, leruo le itekanetse, ka phulo le yone e a nametsa ke dipula tsa matsorotsoro tse di neleng bosheng. BOKHUTLO politics 7 Osowe o itirela ka mabogo E re le fa bangwe ba santse ba dumela mo go thapiweng, seo ga se se Mme Segametsi Osowe a dumelang mo go sone. Mme yo, wa kgotla ya Makolojane kwa Serowe, o tshela ka mafoko a a reng mphampha o a lapisa motho a kgonwa ke se sa gagwe. E re le fa a sa ya kgakala mo thutong ka a ne a seka a dira sentle mo lokwalong lwa mophato wa bobedi ka 1993, Mme Osowe o ne a seka a iteba dinala, a tshwaratshwara go itshetsa. O ne a tshwara thata mo go ba ba rokang ka e le nngwe ya ditiro tse e reng kgarejwane e tlhalefa e di itse kana a di rutwe mo lwapeng. Fa a ntse a tsweletse e le mothusi mo madirelong a ba bangwe, a anywa go le gontsi mme seo sa mmula matlho a nna le keletso ya go ka nna le kgwebo ya gagwe. “Botshelo jwa me bo ne jwa simolola go fetoga ka jaanong ke ne ke simolotse go tshola bana, ga raya gore madi a ke a amogelang ga a lekane,” a tlhalosa mo potsolotsong le Mme Osowe o ne a se ka a tlogela kwa a neng a direla teng, a tshwarelela go fitlha ka 2015 fa a ne a thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma. Mme yo, wa bana ba bane, a re ka lenaneo le, o ne a fiwa matlapa a a rokang a le mabedi, ditilo tse pedi, kgatiso le se go gatisediwang mo go sone, generator le P3 000 wa matsela. “Mo go yo mongwe e ka tswa e se sepe, mme nna ka re botshelo jwa me bo ne jwa tokafala. Fa e sale ke nna le dilwana tse, ka tswa gotlhelele mo go berekeleng le go leta kgwedi go fela.” Mme Osowe yo o direlang kwa lwapeng, a re mo bogompienong o rokela sekole se sebotlana sa Malatswae paka ya sekole le ope fela yo o kgatlhegelang diatla tsa gagwe gammogo le ba manyalo. A re tiro ya go roka e na le botshelo ka le fa motho a sena tiro e a e tshwereng ga a ka ke a tlhoka morotloetsi wa ntshwarisetsa foo. Mme Osowe a re kgwebo e tsamaya sentle mo a dumelang gore fa a ka bona lefelo kwa mmaketeng o ka dira go gaisa ka a tlaa bo a le mo matlhong a batho. O kaile fa go se motlhofo go bona lefelo ka bontsi bo santse ba letile. “Kana fa o bona ke sweleletse go bona kwa mmaketeng, tota ke okwa ke ditlhwatlhwa tsa teng, di botoka go na le mafelo a beng. E seng jalo ke ka felela ke berekela rente,” a tlhalosa. A re mo bogompienong o kgona go dira madi a a lekanang le a a neng a a filwe. “Fa e ne e se ka lenaneo le, ke ka bo ke santse ke setse batho morago.” A re toro ya gagwe ke go atolosa kgwebo le go thapa Batswana ba bangwe gammogo le go rutuntsha ba ba nang le kgatlhego mo tirong ya gagwe. Mme Osowe wa dingwaga tse 38 a re o lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le mmaraka. Tumelo ya gagwe ke gore mananeo a khansele a tsatsi la kgwebo le la LEA ke nngwe ya ditsela tse di ka ba thusang go bona barotloetsi le gore ba itsiwe ke setshaba. economy_business_and_finance 3 Madi a tshenyo ya diphologolo a okeditswe Molao o mosha wa phimolo barui dikeledi fa ba senyeditswe ke diphologolo tse ditona e bile di le borai jaaka tlou le tau, o roletswe kgaolwana potlana ya Palapye ke ba lekalana la diphologolo le makgabisa naga. E rile a ba begela kgang eo, mogolwane mo lekalaneng la diphologolo le makgabisa naga go tswa kwa Serowe, Rre Thatayaone Tshekiso a re puso e sekasekile selelo sa Batswana, mme ya tsaya kgato ya gore diphologolo tse di tona di duelelwe tshenyo e di e dirang mo masimong, leruong, maungong le masingwana a merogo. Rre Tshekiso a re poo e tlaa duelwa P5 500 fa e bolailwe ke tau, fa tonki yone e tlaa duelwa P200. Mo maungong ditamati di tlaa duelelwang madi a a kwa godimo a P100 000, fa tse di kwa tlase e tlaa nna maphutshe le magapu ka tsone di tlaa duelelwa P16 500 tema. Dijalo tse dingwe tse di lemelwang kgwebo jaaka dinawa tsa jugo tsone di tlaa duelelwa P7000, fa lebelebele le tlaa duelelwa P1 800 tema. Mo temong e go lemelwang go jelwa mo ganong dinawa tsa jugo di ntse di duelelwa madi a mantsi a P4 500 fa lebelebele e le P700 tema. Dingwe tsa tse di tlaa duelelwang fa di sentswe ke diphologolo tse pedi tseo ke enjene ya sediba, dipompo tsa metsi, reseboa le tanka ya metsi ya jojo. Terata ya mapako e seng kagelelo ka matlhaku le tse dingwe fela tse di amanang le temo tsone di tla duelwa sephatlo mo lekgolong mo tshenyong ya diphologolo tse di umakilweng. Fa ba tsibogela kgang e, makhanselara wa Maunatlala, Rre Samuel Morebudi o ne a re puso ga e na therisano le setshaba fa e tsaya di tshwetso, a bo a re diphologolo di sireleditswe go feta botshelo jwa motho. A re go emisiwa ga letsomo ka ponyo ya leitlho ke nngwe ya dintlha tse di supang go tlhoka therisano. O ne a supa fa mo dikgaolong tsa Tswapong ba se na diphologolo tseo tsa botau le tlou mme ba senyediwa ke diphiri le ditshwene. Makhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Pako Dick ene a re go tsenngwe ditshenyegelo tsotlhe tsa go isa dilwana kwa di sentsweng teng go tswa kwa lefelong la theko, a re sephatlo se se duelwang seo ke madi a mannye. Mokhanselara Jordan Makhura wa Morupule ene o ne a re diphologolo tse boradipolase ba di ageletseng mo dipolaseng tsa bone ga di laolwe ke puso, di laolwa ke beng , jalo ba itirela go kgona le go rata ka tsone, gape ga ba angwe ke go emisiwa ga letsomo. Le ene o ne a kopa tona go dira morero fa go nna le diphetogo mo molaong o o amang setshaba, a re puso e reka podi ka P700 jaanong fa e jelwe ke phologolo ga e sa tlhole e le podi ke potsane e duelwa P450. Bontsi jwa makhanselara ba ne ba supa gore diphologolo tse di umakwang tseo ga di yo mo mafelong a bone, ka jalo ba sekasekelwe go duelelwa tse di ba senyetsang jaaka diphiri. Ba re ga ba sa tlhole ba na le dihutshane ka ntlha ya diphiri. Ba tlhalosa fa therisano e nyelela ka monokela mo pusong ya batho ka batho. Makhanselara a mabedi, Rre Kabo Ketshogile wa Lerala le Rre Dithapelo Tshotlego yo o itlhophetsweng, bone ba ne ba re bankabone ba seka ba lebala gore diphologolo tseo le bone ke tsa bone ka e le bontlha bongwe jwa mhama o itsholelo e lefatshe leno e ikaegileng ka one. Makhanselara Tshotlego a re fa go buiwa ka bojanala mo Afrika, Botswana ke lefatshe la bobedi le le bo tlhokometseng ka manontlhotlho a a kwa godimo, mme fa go se na diphologolo bojanala bo tlaa bo bo se yo. Bokhutlo society 9 Ba dumalana le mopalamente Banni ba Moreomabele le Topisi ba dumalane ka go ajwa ga ditlhabololo mo metsing ya bone go dirisiwa madi a kgaolo ya bopalamente go lebeletswe letlhoko la metse. Mopalamente Kgotla Autlwetse o supile fa ba ne ba kopanela morero le bogogi go buisana ka ditlhabololo tsa metse ya bone mme ba dumalana gore go agwe ofisi ya mogokgo kwa Moreomabele mo ngwageng ono wa madi, fa ya Topisi e tlaa emela ngwaga o o tlang. Rre Autlwetse, yo e leng mopalamente wa Serowe Bokone gape e le mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, o supile fa puso e tsere dikgato go gagamatsa dikatlholo tsa bogodu jwa leruo gore seo se fe barui sebaka sa go atisa leruo fa badiramelato ba santse ba le kwa kgolegelelong. A re o tshwenngwa ke dipalo tsa batho ba kgaolwana ya Topisi/Moreomabele ba ba ntseng ba itlhokomolositse ikwadisetso ditlhopho, a re ga a itse se se ka tswang se ba kgopisitse. Rre Autlwetse o ne gape a ama phokotso ya ditlhwatlhwa tsa dijo le melemo ya leruo go lebilwe leuba le le apesitseng lefatshe kobo ka letshobo. A re puso e ne ya itlama go thusa balemi-barui ka go ba fokoletsa dijo le melemo ka 25 per cent ka Motsheganong, fa e tlaa re ka Seetebosigo di fokodiwe gape ka 50 per cent. Mopalamente a re o buisantse le CEDA le LEA go tla go tlhatlhelela banni ka tsa kgwebo le go ba thusa go tsaya dikgwebo tse di maleba e bile di le bogadi bo gaufi go itlhabolola. Kwa Topisi, modulasetilo wa VDC Rre Baseketetsi Lesoletsile o supile fa ba itumelela ditlhabololo mme a supa fa go na le selelo se setona kwa sekoleng sa letlhoko la matlwana a boitiketso, dipitsa, matlo a barutabana le gore bana ba welwa ke marulelo. Ditiro dingwe a re di eme A re go agwa ga kokelwana ya nakwana kwa Lechana, motlwana a boitiketso mo dikgotlanang tsa motse le tsone ke dingwe tsa tse di emeng. Rre Lesoletsile o akgotse makalana a Omang, boiepelego le la metsi a re ba ba direla sentle ka ba tshwaraganetse le bone dikgang tse di amang morafe e bile ba di tsibogela ka nako. Fa a itebaganya le dikamogelo tsa Ipelegeng kwa posong ya Palapye, a re ga di tsamae sentle ka ba kgona go busiwa go twe madi a fedile, go sa lebelelwe sekgala se ba se tsayang go ya Palapye. Mo ditirong tse di tsweletseng, o ne a supa fa ba moepo wa magala kwa Morupule ba supile fa ba ya go ba tlhabololela leobo le legologolo le go ba gokelela motlakase. Fa ba tsibogela dikgang tseo, mokwaledi wa khansele-potlana ya Palapye, Rre Lucky Maoto o ne a supa fa ba itse ka letlhoko la matlwana a boitiketso, marulelo le dipoto mme a supa fa mo kgaolwaneng ya Palapye dikole tse dipotlana di le 37, tse mo ngwageng ono wa madi di abetsweng P57 000 fela go baakanya fa go senyegileng teng. O supile fa dikole tseo tsotlhe di na le bana ba ka tshwara 18 200, ba mongwe le mongwe wa bone a abelwang P450 go mo dirisediwa mo didirisiweng tsa thuto. A re seo fela ka bo sone, se ba rwesitse morwalo o bokete. politics 7 Bagwebi ga ba a bona dipoelo Bagwebi ba ba neng ba rekisa dijo, dino le dimonmone kwa mabelong a dipitse a Kokotsha bosheng ba supile fa ba sa kgotsofalela theko ya bareki ba ba neng ba tshologetse tiragalo eo. Mo potsolotsong le BOPA, Mme Zelma Titus o supile fa e ne e se lantlha a tla go rekisa mme maitemogelo a gagwe e le gore batho ba ne ba sa tla ka dipalo tse di nametsang ka jalo a sa dira dipoelo jaaka a ne a solofetse. Mme Titus o ne a tswelela ka gore ene le ba lelwapa la gagwe ba ne ba kgobokantse madi a ba rekileng dijo le ditsompelo tse ba di dirisitseng go baakanyetsa bareki. A re seo ke se ba se dirang ngwaga le ngwaga mme a re ngwaga ono ga ba a bona dipoelo tse di nametsang. Mme Janet Saseng, mongwe wa bagwebi yo o neng a rekisa dijo tse di apeilweng ene o ne a kaya fa e ne e le lantlha a tla go rekisa. O ne a kaya fa a itemogetse gore batho ga ba sa kgatlhegele go ja diraese tse a neng a di apeile, mme ba ne ba batla phaletshe le nama e e besitsweng. O kaile gape fa palo ya mekhukhu e le ntsi jaanong seo se ba baya ka fa mosing ka ba lebile palo e nnye ya batho. Mo posolotsong ya mogwebi wa boraro, Mme Besie Medupi o ne a supa fa a nameditswe ke ka fa a reketsweng ka teng.Mme Medupi a re ene o lemogile fa batho ba kgatlhegela dijo tse ba sa di jeng malatsi otlhe kwa malapeng. O tlhalositse fa a ne a ikaelela go soka phaletshe a bo a e shabisa ka nama e e besitsweng le chakalaka.Mme Medupi o ne a supa fa dijo tseo di sa mo turela go di reka ebile di le bonolo go di apaya. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa tsa bogakolodi wa komiti ya mabelo a dipitse kwa Kokotsha Rre Johannes Titus o supile fa mekhukhu ya thekiso e okeditswe ka e tlhano go tswa kwa go lesome ka maiteko a go tlhamela banni mebereko le fa e le ya nakwana. O ne a rotloetsa bagwebi go itse dikeletso tsa bareki gore ba kgone ba dire dipoelo tse di botoka. A re komiti ya mabelo a dipitse e mo maikaelelong a go kopanya ditlhogo le komiti ya ditlhabololo tsa motse mo maitekong a go tlhabolola matshelo a morafe le motse wa Kokotsha.O tsweletse ka go tlhalosa fa mabelo a dipitse kwa Kokotsa a solofetsa kgolo, ka jalo a re seo se ka kgonagala fa ba ka bona thotloetso ya madi. economy_business_and_finance 3 Boitsholo jwa banana ga bo itumedise Kgosi Sekole se segolwane sa Bobonong Junior Secondary School se tlaa tshwara moletlo go ipelela dingwaga tse masome a matlhano se ntse se le teng ngwaga oo tlang. Mo potsolotsong bosheng, mokwaledi wa komiti e e baakanyetsang moletlo oo, Mme Bonolo Gaolaolwe, o tlhalositse fa maikaelelo magolo a moletlo oo e le go leboga le go lemoga seabe sa banni ba Bobonong mo go ageng sekole. O tlhalositse fa sekole seo se sale se agilwe ka boithaopo ka ngwaga wa 1969. Mme Gaolaolwe a re dithulaganyo tsa go kokoanya madi di tsweletse sentle. O kaile fa rakgwebo mongwe kwa Bobonong wa leina la Rre Sexton Kgwatalala a setse a ba thusitse ka P20 000. Mme Gaolaolwe, yo e bileng gape e le morutabana, a re sekole seo ke sengwe sa dikole tse di neng di itsamaisa pele fa se tswewa ke puso, a tlatsa ka go supa fa sekole seo e le sa ntlha se segolwane go agiwa kwa Bobonong. O kaile fa mofuta wa dikago tsa sekole seo e le sesupo sa gore sekole seo ke sa bogologolo fa se tshwantshiwa le dikole tse dingwe tse di mo tikologong. A re go botlhokwa gore batsadi, barutabana le beng ba dikgwebo ba tsenye lebogo mo go baakanyetseng moletlo oo gore ba kgone go fitlhelela maitlamo le maikaelelo a bone e le sekole. Fa a tswa la gagwe,modulasetilo wa komiti e e bakanyetsang moletlo oo e bile gape e le morutabana ,Rre Walter Letebele, o kopile baithuti ba pele ba sekole seo go ba ema nokeng ka dithuso di tshwana madi. O tsweletse ka go kopa baagi le baithuti ba pele ba sekole seo go ba thusa ka dikgang tse di amanang le ditso tsa sekole seo. education 4 Go tlhoka mephato go busetsa morago Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye a re go tlhoka mephato mo kgaolong ya Legare go busetsa dilo kwa morago. E rile a bua le maloko a mokgatlho wa Mogagamola o o neng o ipelela go nna le dingwaga di le masome a marataro bosheng, a re mephato mo metseng e mengwe e na le seabe mo ditlhabololo. Kgosi Segotsi a re dikgosi tse di nang le mephato di ipela ka mephato ya bone ka ba thusa go dira meletlo jaaka go ipelela ngwao. A re ngwao ya Bangwato e tlaa nyelela ka go sena mekgwa epe e ba e dirisang go supegetsa bana ba bone, a tlatsa ka gore, motse wa Mahalapye o na le borukutlhi jo bontsi ka batho jaanong ba sa tlhole ba tlhola ba bangwe mo malwapeng. A re se, se bakwa ke gore ga go sa tlhole go na le mokgwa wa go supa botho wa go dumedisanya le go lekola baagisanyi. A re mekgatlho e mentsi e a bopiwa mme ga e tsee lebaka le le leele ka batho ba sa kgone go bereka sentle mmogo ba sena dikgotlhang. O ne a rotloetsa mokgatho o go bopagana gore ba bereke mmogo lebaka le le leele mme ba itse tsela e e siameng ya go fapha dikgotlhang tse ba nnang le tsone. O ne gape a ba kgothatsa gore ere ba tswa kwa ditirong tsa bone ba bope ditlhophana go ya ka dithuto tsa bone gore ba thuse go tla ka megopolo e e ka tlhabololang matshelo a batho. E rile fa a a bua maikaelo a mokgatlho wa bone modulasetilo, Mme Gotaabolelamang Sebolao a re ba itebagantse thata le go tsosa ngwao. Mme Sebolao a re ba batla gape go ikopanya le banana gore ba utlwe matshwenyego a bone, le gore ba fa maele a ba ka a dirisang go tila dikgwetlho tse ba kopanang le tsone. A re ba batla gape go ba ruta le mekgwa e ba ka e dirisang go ikgapha mo malwetsing le gone go itirela matshelo jaaka ba lebagane le mathata a matona a letlhoko la ditiro. politics 7 Monana o inamola lehuma ka dikoko E re ka Motswana a rile tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng, batsadi ba tshwanetse go leka ka gotlhe go segela bana ditema tse di ka tsogang di ba solegela molemo mo bokamosong jwa bone. Mme Boipuso Otsile yo o tlholegang kwa motseng wa Dibete a re o simolotse go nna le kgatlhego mo leruong ka gotsaya malebela mo batsading ba gagwe. Mme Otsile a re o simolotse fela ka go tshwaelwa kokwana mmea e agela hokonyana. Mo potsolong le BOPA bosheng, o tlhalositse fa kokwana eo, a ne a e tlhokomela ka lorato la gagwe mo leruong mmeya felela e atile. Le fa go ntse jalo,o boletse fa katlego eo e ne ya mo kgothatsa go A re kopo ya gagwe e ne ya atlega mme a thusiwa ka dikoko di le lesome le botlhano ga mmogo le ditsompelo tsotlhe tse di tlhokegang mo thuong ya dikoko. O ne a tlhalosa gore morago ga go amogela dikoko, a ya sekoleng go ya go ithuta ka leruo kwa Rural Training Centre mo Mahalapye gore a tle a kgone go tlhokomela dikoko tsa gagwe sentle. “Ka lesego la Modimo ke ne ka fenya dithuto tseo ka bo ka fiwa setlankana,”a tlhalosa. Mo nakong ya gompieno o supa fa dikoko tsa gagwe di tsweletse ka go ata fela thata. A re tlhokomelo e e kanakana e,e tswa mo dithutong tse a di amuleng ka nako ya ithutuntsho, a tlatsa ka gore o na le kitso e e kwa godimo ka dikoko. O boletse gore fa dikoko di ntsifala o rekisa tse dingwe go ka itshetsa ga mmogo le go rekela tse dingwe dijo le melemo. O kaile fa bareki ba gagwe e le ba lenaneo la nyeletso lehuma. Mme Otsile o boletse fa dikgwetlho tse a kopanang le tsone di tshwana le tlhaelo ya lefatshe, go tlhoka tirisano ga bagwebi ba ba digela kwa tlase, le go tsaya lobaka go goroga ga melemo le dijo tse ba di kopileng. O boletse fa katlego ya gagwe e tshegeditswe ke ofisi ya nyeletso lehuma ka ba bereka le ene ka dinako tsotlhe, a re ba mo fa dikgakololo le thuso epe fela e a ka tswang a e tlhoka, mme e bile a re o ba akgola fela thata. Gape o ne a gwetlha ba ba maoto a tshupa go ikopela mananeo a puso go ka intsha mo lehumeng la nta ya tlhogo. O ne a kgothatsa banana ba Dibete go tsaya mananeo a tsia go ka fetola matshelo a bone ga mmogo le go tlhamela ba bangwe ditiro. Mme Otsile o rotloeditse bagwebi go sa letlelela dikgwetlho tse ba kopanang le tsone go nna mmaba mo dikgwebong tsa bone. BOKHUTLO society 9 Ipelegeng e ntsha maduo Motlhala wa lenaneo la Ipelegeng o tsweletse ka go itshupa kwa Shakwe jaaka lenaneo le tsweletse ka go thabolola motse.
 Erile mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo ya Shakwe Mme Tuelo Onalepelo a buisanya le ba motswedi wa dikgang wa BOPA bosheng, a tlhalosa fa ditiro tsotlhe tsa dikago, go aga diterata le go shafatsa dikago mo Shakwe go dirwa ka lenaneo la Ipelegeng.
 O tlhalositse fa lenaneo la Ipelegeng le kgonne go shafatsa matlo a barutabana ba Shakwe Primary School ka go a rulela ka thaele, go aga moriti o balwetse ba emelang dithuso ba le mo go one mo kokelwaneng ya motse, go epela diphaephe tsa metsi ka maiteko a go oketsa dipompo mo motseng go fokotsa tlhaelo ya metsi le go fetolela ntlo ya polokelo mo sekolong se se botlana sa Shakwe go e dira ntlo ya borutelo, seo e le maiteko a go fokotsa mosuke mo matlong a borutelo.
 A re ngwaga le ngwaga lenaneo la Ipelegeng le ntsha thaga mo dikagong tsa puso gape le nna le aga terata e e kgaoganyang masimo le mafudiso sekgele sa dikhilomithara di le pedi ngwaga le ngwaga.
 Mokwaledi o ne a bolela fa mono ngwaga lenaneo la Ipelegeng le tlaa aga diofisi mo kgotleng ya Shakwe ebile lenaneo le tlaa tswelela ka go ntsha thaga mo dikagong tsa maphata a puso mo Shakwe mme gape le tlaa tswelela ka go aga terata e e kgaoganyang masimo le mafudiso dikhilomithara di le pedi monongwaga.
 Mme Onalepelo o tlhalositse fa lenaneo la Ipelegeng le amogetswe fela sentle mo Shakwe bogolo jang ke bo mme le banana, o boletse fa dipalo tsa borre mo Ipelegeng di le kwa tlase fela thata.
 Go sale foo Mma Onalepelo o boletse fa lenaneo la Ipelegeng le kopana le kgwetlho ya tlhaelo ya didirisiwa, seemo seo o tlhalosa fa se dia ditiro tsa Ipelegeng.
 O thalositse gore palo ya masome a mane le bosupa e e hirwang ke lenaneo la Ipelegeng e le kwa tlase fela thata segolo bogolo ka gore batho ga ba a lema mo masimong mono ngwaga ka ntlha ya pula e e boutsana. politics 7 Bathophisi ba a kopana Lekgotla le le ikemetseng la ditlhopho le kopane le makgotla a mangwe a ditlhopho go tswa mo mafatsheng a SADC a tlaa tshwara phuthego ya ngwaga kgwedi eno e le 23 kwa Gaborone. Phuthego eo ya dithutano e tlaa bulwa semmuso ke Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama. Mo potsolotsong, sebueledi sa lekgotla la ditlhopho, Rre Osupile Maroba, o boletse fa phuthego eo e tlaa leka go tokafatsa tsamaiso ya ditlhopho mo mafatsheng a SADC ka go kanoka dipego tsa maduo a ditlhopho tse di ka dirisiwang go fetola boleng ja ditlhopho. Rre Maroba a re ba tlaa leka go dumalana dikgato kana ditsetla tse di tshwanetseng go tsewa go tlhomamamisa gore nako le nako go tlhatlhobiwa maduo a ditlhopho ka fa molaong. O boletse gape gore ba tlaa tlhalosa ditsela tsa botlhokwa go fefosa go diragadiwa ga go kanoka maduo a ditlhopho, ba abalane dikitsiso le dikitso ka ditiragalo tse di siametseng ditlhopho ga mmogo le go simolodisa maduo a buka ya OSISA, e e buang ka makgotla a ditlhopho a mafatshe a SADC. Rre Maroba o tlhalositse gore ECF-SADC ke lekgotla le le ikemetseng ka nosi le bookamedi ja lone bo leng mo Botswana. O tsweletse a re lekgotla leo le na le makalana a tsamaiso ya ditlhopho mo mafatsheng a SADC ebong Angola, Botswana, DRC, Lesotho, Malawi, Mauritius, Mozambique, Namibia, South Africa, Seychelles Swaziland, Tanzania, Zambia, Zanzibar le Zimbabwe. O boletse gape gore ECF le SADC, ga di bolo go nna teng fa esale ka Phukwi 1998 mme lekgotla leo le na le mokgwa o le dirang ka one, go balelwa le go tshwara phuthego, komitikgolo le bokwaledi. A re bokopano ja go nna jalo bo botlhokwa thata mo go tlhomamiseng gore tsamaiso ya ditlhopho mo kgaolong ya SADC e ka tokafadiwa le go nonotsha makgotla a ditlhopho go dira tiro ya one. Rre Maroba o ne gape a re mangwe maikaelelo a bone, ke go rotloetsa le go tlhabolola le go tlotlomatsa ngwao ya puso ya batho ka batho le seemo se se siametseng go dirwa ga melao ya ditlhopho e e tsamaelanang le mafatshe a mangwe ka tsamaiso ya ditlhopho. Rre Maroba o ne a bolela gore ECF-SADC e rotloetsa botsalano jo bo siameng fa gare ga makgotla a ditlhopho a SADC le batsayakarolo ba bangwe ka go diragatsa kana go tsamaisa ditlhopho ka ditsela tse di gololesegileng e bile di direlwa mo pontsheng. politics 7 Komiti e tshegeditse moono Komiti ya ipabalelo tsele ya kgaolo potlana ya Boteti mo Letlhakane ene e tshegeditse moono wa boraro wa mafatshe mafatshe global road safety ,o o neng o tlhomilwe bosheng. Moono o o dirilwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng” BANA LE IPABALELO TSELENG”,se maikaelelo a sone ele go nnetefatsa gore mo go yone beke e ga gone le ngwana ope o amegang mo dikotsi tsa tsela,ka jaana mafatshe a tshwentswe ke dikotsi tse dintsi tse di gapang matshelo a batho go akarediwa le bana. Komiti ya ipabalelo tseleng ene ya diragatsa moono o ka go etela dikole tse di botlana di le tlhano tsa motse wa Letlhakane go ya go ruta bana ka ipabalelo tseleng . Mothusa modulasetilo wa komiti e o Supritendent Modiredi Khumo o supile mafatshe a tshwentswe ke dikotsi tsa tsela tse mo go tsone batho ba tlhokafala bale 186.000 ngwaga le ngwaga, mme batswa ka maano a Decade Action Action ya ipabalelo tseleng ya 2011-2020 ya lenaneo la go somarela matshelo a le dimilone dile tlhano lefatshe ka bophara. Supritendent Khumo a re setlhogo se sa Bana le Ipabalelo Tseleng se dirile ka go lemogile gore bana ba amega thata , e bile ba mo diphatseng tsa dikotsi tsa tsela ka go farologana, mme thuto le yone e tlhaela mo go bone. Ba ne ba tswa ka maana a le lesome a ka o ne bana baka babalesegang mo ditseleng,a akaretsa dikoloi tse dirwalang bana ba dikole tse dibabalesegileng,pabalesego ya badirisi ba tsela,go fokotsa lobelo ,go dirisa di helemete,mabante a pabalesego,ditilo tsa bana ba banye, go dira dikoloi tse babalesegileng le mafelo a a siametseng go tlhokomelela ba ba gobetse. Supritendent Khumo o ne a ruta bana kafa ba tshwanetseng ba dirisa tsela ka teng ga mmogo le melato ya tsela ,a supa jalo ka matshwao a tsela a makgabaganyo a tsela a batsamaya ka dinao,tiriso ya dibaesekele ,dikotsekara le gore ba apare mmebala ee ntseng jang fa ba tsamaya fa thoko ga tsela bosigo. O ne gape a bolela bana gore go tlhoka go dirisa tsela sentle jaaka go tshamekela mo tseleng ke molato. O tsweletse a re bana ba tshwanetse go tsameka ,go tsamaya ,le goya sekoleng ka dibaesekele ba babalesegile.Supritendent Khumo o bile a kgothatsa barutabana go aga mekgatlho ya ipabalelo tseleng mo dikolong ,e a reng ba lekalana la Motor Vehecle Accident (MVA)ba a e rotloetsa e bile ba e thusa ka lemmenyana. Mothusa mogokgo wa sekole se se botlana sa Supang mme Onalenna Mfuma o supile fa dithuto tsa komiti ya ipabalelo tseleng dile mosola thata mo go bone ga mmogo le bana ,a bolela fa batla sala ba ditsweledisa gore di age mo baneng. Mme Mfuma a re Setswana sa re kgetse ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwe ka jalo a re mongwe le mongwe oa amega mo ipabalelo tseleng. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Setlhopha sa mmino se somarela ngwao Moeteledipele wa setlhopha sa mmino wa Setswana sa Ngwao le Metlha, Rre Abednico Baitsile, a re ba ne ba bona go le botlhokwa go tsosolosa ngwao ya Botswana le go e somarela go ya pele. O buile seo bosheng mo potsolosong kwa Serowe. Rre Baitsile a re setlhopha sa bone se simolotse ka ngwaga wa 2010, mme se akaretsa bomme le borre ba le masome a mararo,mme se tlholega mo Serowe kwa kgotleng ya Mannonye. A re setlhopha sa bone se dira bontle fela thata ka se nna se tsenelela dikgaisanyo tsa ga Tautona ngwaga le ngwaga mme mo ngwageng o o fetileng ba ne ba tsaya maemo a bobedi kwa dikgaisanong tsa makgaola kgang. Rre Baitsile a re mo malatsing a segompieno banana ba inaakantse le meopelo le mmino ya sekgoa, mme bone le setlhopha sa gagwe ba inaakantse le go tsosolosa le go ipelafatsa ka ngwao ya ga bone ka gore ngwao ke selo se se botlhokwa fela thata mo botshelong jwa motho ka e fa motho seriti sa tlhwatlhwa, gape e supa motho kwa a go tswang. A re mo go tse dingwe o itemogetse gore le bone batsadi ba latlhile ngwao,le meila ya Setswana ga e sa tlhole e le teng ka jalo se se dire gore banana ba seka ba nna le sepe mo ngwaong ya bone ka ntata ya gore ga ba na thotloetso go tswa kwa batsading. A re e le setlhopha ba kopana le dikgwetlho di tshwana, a re Batswana ba dingalo mo dituelong ka jalo go le gantsi ba tsaya ditlhopha tsa mmino wa Setswana lolea, se se raya gore madi a bone ga ba bone a le botlhokwa go ka a dirisa go ba rotloetsa. Rre Baitsile a re kgwetlho e nngwe ke gore ga ba na yo o ba ithaopetseng go ka ba thusa ka madi ka jalo ba patelesega go kopa dithuso mo diofising tsa puso mme bangwe ba ba tswe dithuso le fa e se tse di kgotsofatsang. A re ba tila dikgwetlho tsa bone ka go kopana gararo mo kgweding gore ba kgone go rerisana ka fa kgwebo ya bone e tsamayang ka teng mme ba tle ka megopolo e e ka thusang go aga setlhopha sa bone go ya pele. O tsweletse ka gore gape ba tsena mo diofising tsa ga puso tse di farologaneng go kopa dithuso mme ba ba kgonang ba ba tswe thuso. O ikuetse mo setshabeng gore ba kopa gore ba ba lemoge,ba ba rotloetse gape ba ipelafatse ka bone e le bana ba Batswana ka ba setse ngwao ya bone morago e seng go rata dipina tsa sekgoa ba ikgatholosa tsa segabone. arts_culture_entertainment_and_media 0 Puso e tsibogela kanamo ya Ebola Go bolelwa fa puso e itlamile go laola mesepele ya batho go tswa kwa mafelong a a amilweng ke bolwetse jwa Ebola. Fa a buisa babega dikgang mo Gaborone, mothusa mokwaledi wa lephata la botsogo, Mme Shenaaz El-Halabi o boletse gore taolo mesepele e, e tla nna teng go fitlhelela bolwetse jwa Ebola bo kgona go laolesega. O tsweletse a re go amogana mananeo le ithutuntsho ga badirela puso fa gare ga mafatshe a amilweng ke bolwetse jo le la Botswana le yone e santse e emisitswe ka nakwana. Mme El-Halabi a re mo nakong eno bolwetse joo bo tlhagogile kwa mafatsheng a bophirima jwa Aferika a akaretsa Guinea-Conakry, Liberia, Sierra Leone le Nigeria. Batswana ba ba tlang gae ba tswa kwa mafatsheng a a amilweng ke bolwetse jo ba tlhatlhojwa mo go tseneletseng mme ba go belaelwang fa ba ka tswa ba amilwe ke bolwetse jo ba isiwa kwa mafelong a a tlhaotsweng. Mme El-Halabi a re dikgetse tsa balwetse ba Ebola mo mafatsheng a a amegileng di 1848 go akaretsa le dintsho di le 1013. O tsweletse a re go ka kgonagala gore dipalo tsa mafatshe a a amegileng di oketsege fa bolwetse jo bo ka seke jwa laolesega sentle ka jalo puso e tsweletse ka go batla ditsela tsa go laola bolwetse jo. A re mo nakong eno lephata la botsogo le dule ka lenaneo le batsaya karolo ka go farologana go kganela go tla ga bolwetse jo mo lefatsheng leno le go tswa ka maano a a itebagantseng le go tlhagoga ga jone. Mananeo a akaretsa go tlhatlhoba mo go tseneletseng, go laola kanamo ya bolwetse, go tsibosa setshaba, go gagamatsa le go netefatsa mafelo a a kgethilweng. A re go nale komiti e e setseng e tlhophile go itebaganya le bolwetse jo e e tlhamilweng ka ba nale seabe ba ba farologaneng. A re go botlhokwa gore mohama o o ikemetseng o nne le seabe, dimoshara tse di tsenyang batho ba ba tlhokafalelang kwa ntle ga dipatela le setshaba ka kakaretso go tlhomamisa gore go tlhaloganngwa bolwetse jo botoka. O tsweletse a re go setse go ntshitswe kitso e e maleba, dithuto le melaetsa go netefatsa gore setshaba se tsibosiwa ka tlhagogo ya bolwetse jo. A re setshaba se tlhagisiwa go emisa go etela mafatshe a a amilweng le bolwetse jo mme e bile lephata le tsweletse ka go baya seemo se leitlho mme le tla tswelela le ntsha dipego ka jone Go oketsega ga dipalo tsa balwetse ba Ebola le mafelo a e tlhasetseng mo go one mo mafatsheng a a amegileng go okeditse kgonagala ya gore bo ka anama. Bokhutlo health 6 Dintsa di ba apesitse kobo ka letshoba Banni ba Gamodubu ba re ba apesitswe kobo ka letshoba ke dintsa tse di tsamayang mo motseng di ja dipodi. Ba re dintsa tse di ba feleditse leruo mo jaanong ba fetogileng batlhoki. Se se builwe mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa kgaolo, Rre Daniel Kwelagobe bosheng. E rile fa a lekodisa Mopalamente ka tsa motse, Mothusa kgosi, Rre Morosi Mothupe, a gatelela gore dintsa tseo di nna mo lesunyaneng ka di lemogile fa di tshwenngwa mo motseng. A re ba tshogela gore di ka nna tsa felela di gobaditse batho. Kgosi Mothupe o kopile mopalamente wa bone gore a kope puso e ba thuse go lwantsha dintsa tseo ka e bile go sa itsewe gore ke tsa bomang. Rre Mothupe a re tshenyo ya dintsa tse ke e e sisimosang mmele ka le batho ba ba neetsweng dipodi ka lenaneo la nyeletso lehuma ba iphotlhere. Fa a itebaganya le selelo sa dintsa, Modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Motlhophi Leo o tlhaloseditse morafe gore khansele e dumalane gore go nne le molawana o o laolang motsamao wa dintsa mo motseng. A re maiteko a a khansele a tla leka go lwantsha motsamao wa leruo mo motseng le tsone dintsa tse di sa robatseng batho ba Gamodubu tota. Fa a tswa la gagwe, Rre Kwelagobe o lebogetse puso go bo e letleletse batho go lema ba gasa ka go ne go lelekilwe bokgola. O boile a rotloetsa badiri ba Ipelegeng gore ba tlhokomele temo ya bone gore ka lobaka le ba seng mo Ipelegeng ba kgone go itshetsa. E rile a lekodisa morafe ka tse di tswang palamenteng, a tlhalosa gore lenaneo la kgopo ya metsi aa leswe le tla simolodisiwa mme go ntshitswe madi a a lopang didikadike tsa di milone di le makgolo a mane (P40 million). O tlhalositse gape gore go setse go goketswe didiba di le nne ko Malwelwe go itebaganya le letlhoko la metsi mo Molepolole le dikgaolo tse di mabapi, a tlatsa ka gore seemo sa metsi se tla tokafala ka metsi jaanong a lekane le go feta tota. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Maitsholo a a sa siamang a kgotlela boipuso Mothusa tona wa thuto go tswa moding, Rre Moiseraele Goya a re dinotagi di kgotlela thokgamo le thitibalo ya lefatshe leno. Fa a bua kwa letsatsing la boipuso kwa kgotleng ya Palapye ka Matlhatso, Rre Goya yo e bileng e le mopalamete wa Palapye a re nnotagi le boitsholo jo bo sa siamamang di ka kgotlela kagiso le thitibalo tse leftshe leno le itsegeng ka tsone. A re Batswana ba tshwanetse go tshwara boipuso jo ba bo tlogeletsweng ke borraabomogolo ka matsetseleko gore bo seka jwa ba tswa ka diphatlha tsa menwana. A re bangwe banana ga ba dirise maranyane sentle, ka jalo ba roga bagolo le go sotlaka ba bangwe, selo se a reng se diga seriti e bile se kgotlela boipuso jwa lefatshe leno. O kopile batsadi ba Palapye go tswa lentswe la kgalemo, go tsenya bana mo tseleng e e siameng. A re boipuso ga go tewe fela go itse ka fa lefatshe leno le tsereng boipuso ka teng, mme bo raya go tshela ka kgololesego ya mmele, pelo le mowa. A re tshireletso e lefatshe leno le neng la e kopelwa ke dikgosi tse tharo kwa ga Mmamosadinyana ke yone e tsisitseng kgololesego. A re konokono ya boipuso e tswa mo boitekanelong jwa batho, a tlatsa ka go re fa Batswana ba itekanetse ba ka kgona go itirela le go tsamaisa lefatshe leno. A re mewa e e itshekileng ke yone e ka tsisang ditlhabololo mo Botswana. A re Tebelopele ya 2036 e bua ka go nna le dikhumo mme a tlhalosa fa se se ka kgonega fela fa Batswana ba itekanetse mo mmeleng le mo meweng. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Masego Olebile wa Palapye o ne a lebogela morafe go tla go reetsa molaetsa wa ga Tautona. A re boipuso jwa monongwaga bo pharologanyo ka gore e le dikgosi le boeteledipele jwa Palapye ba ne ba bona go le botlhokwa gore boipuso bo ye go ketekelwa kwa dikgotlaneng. A re thulaganyo e ne e le gore go kgobokanelwe kwa kgotleng e tona go tla go reetsa lefoko la Modimo le molaetsa wa ga Tautona mme morago go iwe kwa dikgotlaneng go keteka letsatsi le. A re palo ya batho ba Palapye e ntsi, ka jalo ke kgwetlho go keteka boipuso kwa kgotleng e tona e le nosi jaaka ka boipuso jwa ngogola. Mo godimo ga moo, molaodi yo o tsamayang wa Palapye, Rre Enerst Phiri o ne a bala molaetsa wa ga Tautona. Nngwe ya tse a ileng a di ama ke go rotloetsa Batswana go tswelela ba ipelela ngwao le go ipelafatsa ka dipe fela tse di supang bontle jwa lefatshe leno. O kopile gore Batswana ba seka ba letla dipharologanyo tsa bone gore di ba kgaoganye, a tlhalosa fa go le botlhokwa gore ba gatele pele ba le seopo sengwe go isa lefatshe leno kwa pele. BOKHUTLO society 9 Botswana o gata sentle Botswana o kgonne go tila dikhuduego tse di tsogileng mo mafatsheng a mangwe a Aferika ka ntlha ya puso e e lolameng ya phathi ya Domkrag. Se se builwe ke mothusa tautona e bile e le modulasetilo wa phathi eo, Rre Mokgweetsi Masisi fa a ne a amogela maloko a masha kwa Mathangwane ka Matlhatso. Rre Masisi o kaile fa mafatshe a Aferika ka bontsi a tlhakatlhakane ka ntlha ya go palelwa ke go dirisa dikhumo tsa one sentle. O tlhalositse gore fa e ne e se ka puso e e lebelang dilo kwa pele ya Botswana Democratic Party (BDP), Botswana le ene o ka bo a ne a tsaya tsela ya mafatshe a mangwe. Fa a ema maloko a masha ka lefoko, mothusa tautona o ne a ba lemotsha fa ba sa farologane ka gope le maloko a ba a fitlhelang mo phathing; a bolela fa ba na le ditshwanelo tse di tshwanang le tsa maloko otlhe. Mokwaledi mogolo wa BDP, Rre Botsalo Ntuane ene o ne a supa fa lefatshe leno le gatetse pele thata mo go tsa ditlhabololo mo dingwageng tse di masome matlhano le ntse le ipusa. Se, a re se kgonagetse ka go bo lefatshe leno le kgonne go tila dikgwetlho tse di farafereng mafatshe mangwe mo Aferika di akaretsa semorafe, thankgolo puso ke masole, boseyong jwa puso ya batho ka batho le go sa bopaganang ga batho ba mafatshe ao. Rre Ntuane o ne a gwetlha Batswana go tswelela ba tlhopha phathi ya Domkrag, a bolela fa go dira jalo e le yone fela tsela e le nosi e e tlhomameng ya go dibela kagiso le tshisibalo tse di ntseng di rena mo lefatsheng la Botswana. Tona wa dikago, boranyane le boitseanape e bile a le mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofo Molefhi o ne a ikuela mo malokong a phathi go dira ka natla go oka maloko a masha. O boile a kopa gore ope mo phathing a seka a nna bete se molangwana tebang le kgorogo ya maloko a masha, a re ba ba ntseng ba le mo phathing ba tshwanetse ba lemoga fa ba tlhoka ba basha go ba thusa go nonotsha maiteko a go aga le go godisa phathi. Mokhanselara wa pele wa kgaolwana ya Mathangwane, Rre Kenosi Mabalane, yo o neng a amogelwa le ba bangwe ba feta masome a mararo, o ne a bolela fa ba ikiteile sehuba go tla go direla phathi ya Domkrag ka bonatla le boineelo. Rre Mabalane yo o neng a amogelwa a tswa kwa phathing ya Botswana Congress o ne a kgalela diphathi tsa kganetso go sa tlhaloganyeng fa tiro ya tsone e le go gakolola e seng go ganetsa fela le dilo tse di siametseng setshaba. politics 7 Bomme ba itlama go aga kereke Bomme ba kereke ya Holy Christian Apostolic Church in Zion ba rotloeditswe go emela ka dinao maitlamo a bone a go aga kereke go tsamaelana le dipaka tsa segompieno. Fa a buisa bokopano jwa bomme ba kereke eo kwa kgaolong ya Kgalagadi kwa Tsabong bosheng, moeteledipele wa lekgotla la bomme kwa Maun, Mme Keakantse Elisha, o boletse fa maitlamo a go agiwa ga kereke a a diragetseng ka malatsi a paseka monongwaga a tshwanetse go diragatswa. A re komiti e tlaa tsamaya le dikgaolo go bona gore maitlamo a go aga le go tlhabolola dikago tsa kereke eo a a diragadiwa. Moeteledipele wa bomme a re bontsi jwa dikereke tsa meropa ga di a tlhabologa, ka jalo bomme ba e leng maloko ba ne ba tsaya tshwetso ya go ema ka dinao. A re tebego ya mme wa seaparo e tshwanetse go supa fa mme a tswang teng ka jalo ba tshwanetse ba ikitaya ka thupana go tokafatsa dikago tsa kereke eo. Mme Elisha re fa motho a obamang teng go tshwanetse ga nyalana le kapari ya gagwe. Bomme ba tsere tshwetso ya gore ba dire madi ka go dira mekolokotwane, go apaya ba bo ba rekisa dijo le maitiso a moopelo gore ba tle ba kgone go aga kereke eo. A re kereke ya Holy Christian Apostolic Church in Zion e aperwe ke letlhoko mo mabakeng a a farologanyeng ka jalo e tlhoka go fetolwa. Mme Elisha o tlhalositse gore ka kgwedi ya Seetebosigo ba ne ba phuthaganetse kwa Maun go tswa ka methale ya go tlhabolola dikago tsa kereke. O ne a rotloetsa maloko otlhe go tsaya karolo mo tirong e tona e ka tota setshwarwa ke ntsa pedi se se thata. Mme Elisha a re keletso e nngwe ke go tshwaragana le batsaya karolo botlhe mo kerekeng le kwa ntle jaaka bagwebi. Mokwaledi wa bomme ba kereke eo, Mme Ketsile Malefho a re ba ipeetse seelo sa gore morago ga dingwaga tse tlhano ba tlaa bo ba supa motlhala wa se ba se dirileng. A re letsholo la komiti eo le tlaa ruta bomme gore ba nne le boitsholo jo bontle mo kerekeng mme ba nne moko o thata mo tumelong. Mme Ketsile Malefho a re ba tlaa tsosolosa dikolo tsa Tshipi tsa kereke eo gore bana ba tshelele mo tumelong. Moruti kwa Kolonkwaneng, Rre Geoffrey Mongwelemongwe o tlhaloseditse baphuthegi gore e rile go simologeng ga kereke eo, ba remelela thata mo seporofitong mme tse di tshwanang le dikago ba seka ba di tsaya ka tlhwaafalo. O ne a tlhalosa gore mo dipakeng tsa segompieno kereke eo e tshwanetse go tlhabologa. A re botsogo jwa gompieno ga bo sa tlhole bo tshwana le jwa bogologolo ka dilo di fetogile mme dikago le tsone di tshwanetse tsa dirwa gore di babalele botsogo. Mokhanselara wa Tsabong Borwa, Rre Lucky Lorekang yo gape e leng moruti wa kereke eo, a re mo dinakong tsa segompieno baruti ba tshwaragane le bothata ka gore botshelo jwa segompieno ga bo a iketla. A re go tshelela Modimo go tshwanetse go tsamaelana le paka ya segompieno jaanong selo se se tsentse baruti mo kgatelelong ya gore thuto e ba e rutang ga ba bone e ba tswela mosola. A re thuto ya baruti e wela mo mmung o o makgarapana ka gore ka bonya ka bonya dipalo tsa kerekeke eo di ya kwa tlase mme ba latlhegelwe ke banana ka bontsi. A re dikereke tsa segompieno tsa ‘fire’ di a gola mme e bile di a tlala mme teng koo go buiwa lefoko la Modimo le le tshwanang le le ba le rerang. “Potso e nna gore kereke ya Holy Christian Apostolic Church in Zion yone e palelwa ke eng go oka batho mo dikerekeng tsabone?” A re go tlhabolola kereke go na le seabe se setona mo go nneng le baphuthegi ka dipalo tse di rileng. religion_and_belief 8 Mapodisi a Jwaneng tlhotlhomisa polao Mapodisi a toropo ya Jwaneng a tlhotlhomisa kgang e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome a mararo a latlhegetsweng ke botshelo. Mo potsolotsong, mookamela mapodisi a Jwaneng, Superintendent Theriso Thatayotlhe o tlhalositse gore ka matlhatso kwa merakeng ya Magwinyetso e e fa gare ga kgaolo ya Kweneng le Ngwaketse, monna wa dingwaga tse 30 wa meraka ya Magwinyetso o tlhabilwe ka sengwe se se bogale ke monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le borataro le ene e le wa meraka eo morago ga go tlhoka kutlwisisanyo. Superintendent Thatayotlhe a re moswi a ne a ragosediwa kwa kokelong ya moepo wa Jwaneng, kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a tlhokafetse. O kaile fa mmelaelwa ene a bone dikgobalo tse di masisi mme a robaditswe mo kokelong ya Jwaneng. Rre Thatayotlhe o kaile fa dipolaano mo kgaolong ya gagwe di tshwenya, mme a gakolola gore majalwa a Setswana a nowe ka kelotlhoko go bo go tshegediwe dinako tse puso e di ntshitseng tsa go tswala ga marekisetso a bojalwa, a gatelela thata gore bojalwa bo nowe ka kelotlhoko ka dinako tsotlhe jaaka go ipaakanyediwa malatsi a a boitapoloso a botsalo jwa morena le ngwaga o mosha. Superintendent Thatayotlhe o tlhalositse fa serepa se santse se le kwa setsidifatsing go tlhatlhojwa ke dingaka, fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di tsweletse. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Ithuteng mo go ba bangwe -Mochanang O buile jaana mo phuthegong ya kgotla bosheng kwa kgotleng kgolo ya Bakgatla fa a ba lekodisa ka dikgang tsa motse wa bone le ka fa ba ka tswelelang ka teng go fitlhelela tse ba di batlang mo kgaolong le mo metsaneng ya bone. A re go molemo go tsaya malebela mo metseng e mengwe mo kgaolong le ya dikgaolo tse dingwe, segolo bogolo mo dikgwebong le mo go tsa itshireletso. O ne a rolela hutshe ba twantsho borukutlhi ya kgaolwana ya Makakatlela go bo ba tsweletse ka go tshwaraganela tiro ya go fokotsa borokutlhi le mapodisi go rurifatsa gore kgaolo ya bone e babalesegile. Rre Mochanang a re ba kgaolo ya Makakatlela ba dira ka natla mo go tsa itshireletso mo kgaolwaneng mme go ka lebosega fa dikgaolo tse dingwe di ka tsaya malebela mo go bone. O supile fa go tshwara motho yo o sentseng ka nakwana go emetswe mapodisi e le nngwe ya ditsela tse di dirwang ke ba twantsho borukutlhi ya kgaolwana ya Makakatlela go bona gore borukutlhi bo wela tlase. A re se ke thuto mo setshabeng le morafe ka kakaretso ka gore kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. Rre Mochanang o boletse fa a utlwile selelo sa Bakgatla ka diofisi tsa kgotla mme a tlhalosa fa ba boloditse letsholo go kopa dithuso mo go ba ba maleba gore ba thuse ka lefelo le go ka agelwang mo go lone. O tlhalositse fa ba santse ba batla ba ba ka thusang ka go dupa pego ya leobo go bona gore go ka dirwa eng morago ga seo. A re Bakgatla ba tshwanetse go lebagana le matshego a 2036 a a tlhamilweng ngogola go a itse le go a diragatsa go tsosolosa itsholelo ya lefatshe. O ne a tshepisa fa a tlaa tsisa dibukana tsa Tebelopele ya 2036 gore e fiwe ba dikgotlana le ba ditlhabololo tsa motse gore Batswana ba tle ba e bone. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Wilfred Lebekwe a re ditlhabololo di bonya go goroga mo kgaolong ya kgatleng. A re nnotagi le modumo le tsone di tsweletse ka go ya magoletsa mo motseng mme mapodisi go sena dikgato tse ba di tsayang go kganela se se diragalang. O ne a tlatsa ka go re se se digela maduo a bana kwa tlase mo dikoleng ka ba anwa. Mokhansela wa kgaolo ya Mabodisa, Rre Fisher Palai a re ba lebogela molaodi gore a bo a tsere matsapa go tla go itsese morafe ka tse di ba amang mo kgaolong le go tsisa maphata go tla go ikarabela. A re bogologolo ba ne ba itse molaodi e le wa manyalo fela mme ba leboga puso go bo ba kgona go nna le molaodi ba lekodisanya ka tse di amang matshelo a bone ka setshaba se nna le nako ya go lelela mo bagolong. O supile fa ba SHHA ba ngongorega ka ba ba sa buseng madi a kadimo. BOKHUTLO politics 7 Dihutshane di ba file seriti Mme Rejoyce Robby wa Zwenshambe ke mongwe wa banana ba ba akotseng lenaneo le le thusang banana ka madi go inamola mo lehumeng. Mo potsolotsong bosheng, Mme Robby yo o dingwaga di masome a mabedi le bosupa o boletse fa a filwe P98300, yo a rekileng dihutshane di le masome a mane, tse ditonanyana di le tharo le tse di namagadi di le masome a mararo le bosupa. A re mo nakong eno dihutshane tsa gagwe di masome matlhano mme o kaile fa di ka bo di fetile palo eo ka go sule di le lesome le botlhano. Mme Robby a re pele ga se, botshelo bo ne bo le bokete fela thata ka one a bereka kwa Ipelegeng, mme dikatso di sa lekana go tlamela lelwapa. O tsweletse a re e rile ngwaga oo fetileng ka Mopitlo a nna mongwe wa ba ba sego go ya go ithutuntsha ka maele a botshelo, morago a ya go dira ka fa tlase ga lenaneo la banana la Tirelo Setshaba kwa lekgotleng la kabo ditsha la Tati. A re e rile Tlhakole ngwaga ono a fiwa madi go reka dihutshane, mekoro, dijo tsa dihutshane, melemo ga mmogo le didirisiwa tse dingwe. A re le ntswa a kopane le dikgwetlho tse dintsi mo botshelong ga a ka a kgobega marapo go bona gore le ene o nna le botshelo jo bo eletsegang. Mme Robby o tlhalositse fa mo nakong eno a kgona go tlamela lelwapa la gagwe e bile a tsenya ngwana wa gagwe sekole. A re o kgonne gape go dira dilo di le mmala di akaretsa go reka dikoko le ntswa ka go tlhoka lesego di ne tsa tlhaselwa ke bolwetsi jwa mokorobalo gammogo go tsweledisa dikago dingwe mo lwapeng. A re le fa a na le dikgwetlho o tla tswelela ka go tlhokomela dihutshane tse di setseng ka o na le tsholofelo ya gore di tla a ata. O tsweletse a re o ikaelela gore mo dingwageng tse di tlang le ene a bo a kgona go tsenya letsogo mo go tlhabololeng matshelo a banana ba bangwe ka go tsenya bana ba masiela le batlhoki dikole. O gwetlhile banana ka ene go iketleeletsa kwa diofising tsa puso go tsaya mananeo gammogo le go ikemela ka dinao nako e sa le teng go na le go letlelela lehuma go ba gatelela ka go se monate go tshelela mo go lone.BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Lephata la madi le tokafatsa ditirelo Lephata la madi le tlhabololo itsholelo ba eme ka dinao go lwantsha diemo tse di ka dirang gore madi a puso a tswe ka ’phatlha tsa menwana. Ba dira jalo ka go tokafatsa dieemo tsa dituelo, tshomarelo, tiriso ya madi, le gone go atumeletsa Batswana ditlamelo le ditirelo tse ba di tlhokang. Mafoko ao a builwe ke mogolwane wa lephata leo yo o lebaganyeng le tsa tlhokomelo madi a okametse kgaolo ya bokone, Rre Ogolotse Nthoiwa mo phuthegong ya khansele-potlana ya Palapye. A re mo nakong eno, o okametse diofise dile lesome le bobedi tse di welang mo kgaolong ya gagwe, mme a supa fa ba ikaelela go bula ya lesome le boraro kwa Nata. Rre Nthomiwa o tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go godisa ofisi ya Palapye go nna nngwe ya diofosi tsa kgaolo, a supa fa ba ikemiseditse go aga ofisi e tona fela fa ba ka abelwa setsha ka bofefo. O ne a tlhalosa gape ka boitseanape jwa dituelo tsa mefuta e e farologanyeng, tsa batho ka bongwe ka bongwe, bagwebi le makalana otlhe a a duelwang ke puso gore go na le tsamaiso e e tshwanetseng ya salwa morago jaaka ya go duela ka metshine le e ntsha ya go tsenya madi mo dikarateng. A re mefuta eo ya dituelo e ya go fokotsa go nna dinalanyana ga bodiredi. O ne a bua ka karata e a rileng e ya go dirisediwa mesepele ya bodiredi mono gae le ya kwa ntle, madi a malatsi a boitapoloso, a tlhokomelo bagodi le a mangwe a a duelang dikomiti ka gofarologana. Rre Nthoiwa o ne gape a supa fa ba na le dithulaganyo tsa go duela bagwebi (Real Time Cross Settlement) RTGS lenaneo le a rileng le duela bagwebi ba madi a a fetang P1million. A re lengwe ke la Deeds Of Cession le a rileng le diretswe go tlhofafaletsa bagwebi go reka dithoto tsa bone ka lephata la tsa madi kwa ntle ga lefatshe leno. Lengwe gape o ne a re ke la Payment gateway le le diretsweng go rekisa, go duela kana go bapatsa dithoto tsa puso ka maranyane a segampieno. O ne a tlhalosetsa makhanselera fa dinako di fetogile go dirisiwa boranyane go neela Batswana ditirelo jaaka ba ne ba simolodisa go duela ka GABS. O ne a tlhalosa gape gore fa ba sa duelwe e ya bo e se mathata a GABS, mathata a a bo a tswa mo marenyaneng a a dirisiwang a ba senang taolo mo go one le ntswa ba a duelela. A re lephata la gagwe le tshwere ka natla go tokakafatsa seemo. A re ka ngwaga wa madi wa 2018/19 ba ya go oketsa bokete jwa boranyane jwa GABS go itepatepanye le diemo tsa kgolagano. O kgothaditse ba ba amogelang madi a bagodi ka lenaneo le legologolo gore ba nne ba tlatsa difomo tsa go supa fa ba sale botshelong morago ga kgwedi tse thataro dingwe le dingwe. E rile ba mo kgwa dikgaba, makhanslera a supa fa ba le ’bete se molangwana ka tiriso ya dithoto tsa puso ba re ga di tshwarwe sentle e bile ga di tlhokomelwe ke ba ba di neetsweng go di tlhokomela. Mokhanslera wa kgaolwana ya Khurumela, Rre George Makhura o ne a supa fa dikoloi tsa puso di kgona go ema lebaka go sena madi a a di baakanyang. A re seo ke botlhaswa, gape se sokodisa bodiredi ka ba tshelela mo letlhokong la dikoloi tse di sa baakangweng ka nako. Rre Makhura o ne gape a bua a sa kgale mathe mo ganong ka tiego ya dituelo tsa ba ba tlogelang tiro ka bogodi kana ka mabaka a fe fela. A re go tsaya ngwaga gore ba bone dikatso tsa bone. A re puso e shwanetse ya lemoga fa e tsisa lehuma mo malapeng a batho bao ba ba sa duelweng ka nako ka ba simolola go tshela botshelo jo ba sa bo kgoneng e bile ba sa bo tlwaela ja lehuma. Makhanselera a amogetse tshimolodiso ya karata e e tsenyang madi a maeto le dituelo tsa dikomiti ba re e botlhokwa fela thata. Ba ne gape ba lebogela go atumediwa ga ditlamelo kwa bathong. Ba re ke sengwe sa botlhokwa. Mokhanselera wa Morupule, Rre Jordan Makhuru ene o ne a re tiego ya dituelo tsa batho ba ba tlogelang tiro e bakwa ke boitseme jwa bodiredi. A re fa bone e le mapolotiki ba kgona gore fa nako ya bone ya dingwaga tse tlhano e wela ba bo ba neelwa dikatso tsa bone gone foo, gapala eng ka bodiredi. Mokhanslera wa Mmaphula Botlhaba, Rre Mphoentle Kabelo ene o ne a kopa go re puso e tsenye leitlho mo bathong ba ba dirang dikarata. O ne gape a tlhalosa gore dikarata tseo di a busiwa moraga ga tiriso. O ne a tlhalosa gape gore lefatshe leno ga le na moalo o o supang dithoto tse puso e nang le tsone o o lolameng. economy_business_and_finance 3 Badiragatsi ba gakololwa go dirisa talente Badiragatsi ba motshameko wa serala kwa kgaolong ya botlhophi ya Thamaga/Kumakwane ba kgothaditswe go tsaya ditalente tsa bone ka tlhwaafalo ka jaana di ka tsoga di ba namotse mo lehumeng. Se se builwe ke mokhanselara wa kgaolo ya Thamaga Bophirima, Rre Molatedi Selala mo thutopuisanyong ya malatsi a mane ya go ruta badiragatsi botsipa jwa go diragatsa mo seraleng e e neng e tshwerwe kwa Thamaga bosheng. Rre Selala o ne a kgothatsa banana dira tiro ya bone ya bodiragatsi ka lorato ka seo se ka dira gore ba felele ba le kgakala ka yone. O ne a tlhalosa fa puso e leka thata go namola banana mo lehumeng e bile e tsentse letsogo fela thata mo bodiragatsing. O ne a lebogela barulaganyi ba thutopuisanyo e, a tlhalosa fa badiragatsi ba e tlhoka go lootsa botsipa jo ba nang le jone ka jaana bontsi jwa bone ba na le ditalente tse dintsi mme ba sa itse go di dirisa. O ne a tlhalosa fa e ne e ka nna selo se sentle thata fa go ne go ka dirwa dithutopuisanyo tsa go nna jaana gantsi go godisa bodiragatsi mo kgaolong. O ne a kgothatsa badiragatsi go dira bojotlhe go dirisa botsipa le maele a ba a amuleng mo thutopuisanyong e. Morulaganyi wa dithuto tseo, Mme Refilwe Senna o ne a tlhalosa fa ba ne ba bona go le botlhokwa go rutuntsha badiragatsi ba kgaolo ya Thamaga/Kumakwane ka ba itemogetse fa kgaolo e e sa gole mo go tsa bodiragatsi jwa serala ntswa go na le talente e ntsi. O ne a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go godisa bodiragatsi mo kgaolong e, gore badiragatsi ba ba tle ba tsoge ba itshetsa ka ditalente tsa bone. Mongwe wa barutuntshi, Rre Dops Baipidi yo le ene e leng modiragatsi mo setlhopheng sa motshameko wa serala sa Ikakanyeng, o ne a gatelela fa modiragatsi e le ene sefatlhego sa kgaolo ya gagwe e bile go le botlhokwa gore badiragatsi ba itshware sentle ka jaana ba lejwa ke setshaba. O ne a tlhalosa gore badiragatsi ba le bantsi ba senyegelwa ke tiro ka lebaka la go tlhoka go itshwara sentle. O ne a gatelela gore badiragatsi ba nne le mowa wa go dira mmogo ka go ka ba isa kgakala e le setlhopha. Morutuntshi yo mongwe, Rre John Marumo o ne a bolela fa maikaelelo a bone e le badiragatsi ba ba setseng ba godile e le go ribolola ditalente tsa bodiragatsi le go di nosetsa gore bodiragatsi bo tle bo gole mo lefatsheng leno. O ne a tlhalosa fa bodiragatsi bo tlhokana le lorato le go nna le maikaelelo a go tswelela pele mo botshelong. E rile fa a lebogela barulaganyi sebaka se ba se fileng badiragatsi ba kgaolo e, modulasetilo wa komiti ya tsa bodiragatsi, Rre Thatayaone Motlokwa a tlhalosa fa a itumeletse maiteko a magolo ao e bile a solofela fa ba tlaa bona pharologanyo mo dikgaisanyong tse di tlaa tshwarwang kgwedi e e tlang. O ne a gatelela gore kgolo ke yone sesupo sa gore bodiragatsi bo ya golo gongwe. arts_culture_entertainment_and_media 0 PSP o kopa kereke ya Eloyi go baya lefatshe mo thapelong Mopalamente wa Maun Botlhaba, Rre Konstatinos Markus o kgothaditse badiri ba lenaneo la Ipelegeng go tsaya lenaneo leo ka tlhoafalo ka jaana maduo a lone a bonala. A re e re ntswa lenaneo leo e se tiro ya sennela ruri, bangwe ba a le itumelela ka jaana le ba tlodisite melatswana. Mopalamente o buile jalo kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke banni ba Chanoga go lebogela badiri ba Ipelegeng tiro e ntle ya go phepafatsa motse. Rre Markus o boletse fa puso e ne ya bona go tshwanela go simolodisa lenaneo le ka maikaelelo a go namola Batswana mo lehumeng. A re o lemoga gore dituelo tsa lenano leo ga di a lekana mme a supa fa lemme le sa bolae ka jaana bangwe ba itiretse go le gontsi ka bonnye jo ba bo amogelang. O kgothaditse banni gore ba seka ba nyatsa lenaneo leo mme ba tlhokomologe dipuo tsa ba ba le kgalang ba re puso e ja babereki ntsoma. A re ba leboge fela gore ba malapa a bone ga ba lale le tlala e bile bana ba bone ba apara paka jaaka bana ba malapa a mangwe. Mopalamente o ba kopile gape go dirisanya le batsamaisi ba lenaneo a re fa nako ya bone ya gore ba sutele ba bangwe e gorogile ba dire jalo go sena dikgogakgogano ka jaana moono e le gore bontsi bo akole lenaneo leo. Rre Markus o ne a akgola bogogi jwa Chanoga bo eteletswe pele ke Kgosi Oateng Setlhodi a re bo supile boikarabelo ka jaana bo lemoga seabe sa lenaneo leo mo banning. A re bogogi bo tshwanelwa ke go phophothwa legetla ka jaana bo rotloetsa banni go dirisa lenaneo sentle le gone go ba lemotsha botlhokwa jwa lone le maduo a lone mo motseng. A re o eletsa metse e mengwe e ka tsaya malebela kwa Chanoga. O kgothaditse le komiti ya motse e e leng yone e tsamaisang lenaneo go dira dilo sentle a re ba seka ba hira ka go kgetholola. Kgosi Oateng Setlhodi wa Chanoga a re o dirile tiro ya go nna jalo ka go lemoga seabe sa batho ba Ipelegeng mo ditlhabololong tsa motse. A re go botlhokwa gore fa batho ba dira sentle ba akgolwe, ke ka moo ba ba diresteng dijo tsa motshegare go itumela le bone. A re e re le ntswa lemme le ba le fiwang le sa lekane, ba kgotsofadiwa ke gore seo ga se a kgoba badiri marapo ka ba tsweletse ka go dira tiro ka bokgabane le boineelo. A re ba supile fa ba ititeile sehuba go direla lefatshe la bone, a tlatsa ka go re go ka nna thona gore e le boeteledipele ba ititee nkidiane le ntswa ba bona ditiro tse dintle. Kgosi o lebogetse gape ba kgotlana ya Kookale a re ba ba thusitse ka dijo gore moletlo wa bone o diragale. Mongwe wa badiri ba Ipelegeng, Mme Bosiame Tlhogo le ene o ne a supa fa ba amogetse lenaneo ka oo-mabedi ka jaana ba lemoga mosola wa lone. A re le tlhabolotse matshelo a malwapa a bone, a supa fa bana ba bone ba sa wele mo isong ka ntlha ya tlala. A re ene le badiri ka ene ba lebogela puso go tla la lenaneo leo. O lebogetse le bogogi jwa motse go lemoga maiteko a bone a re moletlo oo o ba tiisa moko go tswelela ba dira ka natla. Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Meleko Lesole o lebogetse barulaganyi ba moletlo a re ba supile fa ba tsaya badiri ba lenaneo tsia. A re ga se ba le bantsi ba ba ka dirang jalo mme a ba kgothatsa go tswelela ka mowa o montle oo. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Dikhwaere di lapolosa tlhaloganyo Mopalamente wa Gaborone Legare, Rre Dumelang Saleshando a re dikhwaere di lapolosa mmele le tlhaloganyo. Rre Saleshando o buile jalo mo potsolotsong fa a ne a ile go lebelela khwaere ya Mog City go tswa mo motsaneng wa Mogwalale gaufi le Good Hhope, e phadisanya le ya Ditshotlho go tswa motsaneng wa Tauekaname o o gaufi le Gamajaalela mo kgaolong ya Ngwaketse Borwa. O tlhalositse gore go botlhokwa gore ka malatsi a botsalo jwa morena le a ngwaga o mosha, batho ba tsaee ba malapa a bone go ya go itapolosa mmogo ba le mo lehelong le go nang le bangwe-kabone ka se se aga setshaba. A re o ne a itlhophela go ya kwa lehelong leo ka a rata khwaere ya Mog City e ngwaga le ngwaga e opelang ka botswapelo le mororo go sena dimpho dipe tse e di gaisanelang. Rre Saleshando, yo gape e leng moeteledipele wa phathi ya Botswana Congress, o ne a tswelela ka go tlhalosa gore ka dinako tse dingwe motho o tlhoka go amana le setshaba go sena sepe se sentsi se ba se kopanelang fa e se go ipela le go itapolosa fela. O ne a re o itumelela tshologelo ya batho e e neng e tsile go bogela dikhwaere tse pedi tseo le fa go ne go sa phadisanelwe sekgele sepe. Mothusa moeteledipele wa khwaere ya Mog City Rre Tebogo Mothusi a re khwaere ya bone e simologile ka ngwaga wa 1988, mme e gola ngwaga le ngwaga. O boleletse ba motswedi wa dikgang wa BOPA gore banana ba khwaere ya gagwe ba na le dingwaga di le nne ba ntse ba tsenelela dikgaisanyo tsa ga Tautona mo kgaolong ya Morolong mme ba gapa maemo a ntlha. O ne a tswelela ka go tlhalosa gore khwaere e tona e simolotse ngwaga o o fetileng go tsenelela dikgaisanyo tsa ga Tautona a tlatsa ka gore babogedi ba yone ba oketsega ngwaga le ngwaga. Rre Mothusi a re mopalamente wa kgaolo Rre Kitso Mokaila, kgosi Lotlaamoreng II le bagolo ba bangwe ba kgaolo ke maloko a khwaere eo a tlatsa ka gore mo ngwageng o o fetileng, Rre Gomolemo Motswaledi o ne a tla go lebelela khwaere ya gagwe e opela. O tsweletse ka go tlhalosa gore ga ba batle dikgaisanyo ka di tsisa diphapaang fa gare ga morafe, ka jalo ba bonye go le botlhokwa go opelela setshaba mahala mme sone e nne baatlhodi ba yoo gaisitseng yo mongwe. A re dikhwaere di kgapha banana mo mekgweng e e sa siamang jaaka go itontela majalwa a tlatsa ka gore setshaba se se nang le dikhwaere se a bo se supa fa se tshegeditse ngwao. O ne a tlhalosa gore khwaere e ba agile ya ba ya ba kopanya e le banni ba Mogwalale mo e setseng e kare ke bana ba motho. E ne ya re fa a tswa la gagwe, mokatisi wa khwaere ya Ditshotlho Mme Veronica Rankwe a re khwaere ya bone e tlhamilwe ka ngwaga wa 1960 mme e simolotse go nna mokgatlho ka ngwaga wa 1993. A re ngwaga le ngwaga ba thulana le dikhwaere tse di farologanyeng go opelela setshaba mme go sena tlhwatlhwa epe. Mme Rankwe a re ga ba na barotloetsi bape mme maloko a koleka madi a a dirisiwang fa ba tlhoka sepagamo go ya go opela. A re maloko a khwaere e ke bana ba dikolo, babereki le bagolo ba motse mme ba kopana ka malatsi a tshwana le a ngwaga o fela. O lebogetse boitsholo jo bontle ko dikhwaereng a tlatsa ka gore dikhwaere di aga setshaba. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Banni ba iteela legofi katoloso ya lotshwao lwa seromamowa Banni ba Hukuntsi ba iteetse legofi mogopolo wa katoloso ya lotshwao lwa seromamowa sa Botswana (RB1), go ka goroga kwa metseng e go ntseng go sena le fa e le mokgwasanyana teng. Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke ba maranyane a seromamowa le baitseanape go tswa kwa go ba lekalana le le itebagantseng le tsa tshekatsheko tikologo mo Hukuntsi bosheng. Modulasetilo wa pele wa khansele ya Kgalagadi, Rre Milton Moseru, o ne a iteela katoloso eo legofi, a supa fa banni ba metse e e kgakala le ditlamelo ba tlaa nna le sebaka sa go itse se se diragalang mo lefatsheng leno le kwa mafatsheng a mangwe. O supile fa thuto e le botlhokwa mo botshelong jwa motho ka jaana bontsi bo ka kgona go itlhabolola ka dithuto tse ba di utlwang mo seromamamoweng. A re bontsi bo tlaa kgona go ithuta go le gontsi ka mananeo a puso a a tlhametsweng go fetola matshelo a bone. Rre Johannes Motlhaetsi go tswa kwa Zutshwa, le ene o ne a latlhela tlhware logonnyana ka mafaratlhatlha ao, a supa fa bontsi jwa banni ba motse wa gagwe ba fetwa ke dikgang tsa botlhokwa. A re go le gantsi ba patelesega go tla Hukuntsi fa ba batla go utlwa dikgang ka botlalo, a tlatsa ka gore le baithuti ba sekolo sese botlana ba tlaa nna le tshiamelo ka jaana ba tlaa kgona go nonofa mo dithutong tsa bone ka thuso ya seromamowa. Rre Nelson Moncho o ne a gwetlha ba dikompone gore ba leke go thapa bana ba mo gae, mme o ne a gwetlha batsadi go ruta bana ba bone gore tiro e a dibelwa, ka jalo ba nne boitshoko ba dira ka natla gore ba kgone go rokotsa dikompone tse di tswang kwa ntle go ka ba thapa go na le gore ba itlhobose ka ntlha ya boitseme. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa tsa boranyane go tswa kwa ofisi kgolo ya lephata la kgaso, Rre Calvin Goiletswe o tlhaloseditse banni fa kago ya mafaratlhatlha a seromamowa, e le maitlamo a lephata go atolosa maharatlhatlha a, gore banni mo lefatsheng ka bophara ba kgone go tshwara matshwao a seromamowa le thelebishene ya lefatshe leno. O ne a tlhalosa fa mafaratlhatlha a, a tlaa agwa mo Hukuntsi mme a tlaa thusa kanamiso ya lotshwao lwa seromamowa sa Botswana kwa metseng e tshwana le Zutshwa, Ukhwi, Ncaang, le Ngwatle ka e le mengwe e e ntseng e saletse kwa morago gammogo le kwa mafelong a diphologo a a mo tikologong ya Kgalagadi Bokone. Le fa go le jalo, o ne a tlhalosa fa mafaratlhatlha a go atolosa lotshwao lwa thelebishene one a tlaa agwa kwa Hunhukwe le Monong fa seemo sa madi se letla. Rre Goiletswe o ne a tsibosa morafe gore kago ya maharatlhatlha e ka nna ya pateletsa banni bangwe go sutela ditlhabololo tseo, le gone gape gore ditshekatsheko ka tsa ba tikologo le tsone di tla thusa go bona dilo dingwe tse di botlhokwa jaaka mabitla a botsadi jwa bogologolo mme go dirwe dithulaganyo go bona gore go ka thusanwa jang le morafe fa go ka itemogelwa dikgoreletsi dingwe. Mme Nakisani Chicho go tswa kwa khamphaning ya Terrestrial Plan o ne a tsibosa morafe fa ditlhabololo go le gantsi di na le dintlenyane di tshwana le go tlhama diphatlha tsa mebereko, le gone go nonotsha letseno la madi kwa malwapeng ka ntlha ya phiriso ya matlo. A re ntswa go na le dintlenyane, dilabe di tshwana le go gola ga dipalo tsa boimana jwa banana, kanamo ya mogare wa HIV, go thubega ga malwapa, modumo o o feteletseng mo tikologong le gone go leswafatsa tikologo, ga di ke di tlhokafala. Ka jalo, o ne a gwetlha batsadi go ema kgatlhanong le dilabe tse, ka go buisana le bana go bona gore ba itshwara sentle gore bontsi bo seka jwa iphitlhela mpuru a haretswe. E re ntswa bontsi bo ne bo le ’bete se molangwana ka mafaratlhatlha ao, gore a ka tswa a le borai mo matshelong a batho, Rre Goiletswe o ne a ba tlhalosetsa fa mafaratlhatlha ao a tsile go agelelwa gore sebopiwa sepe se seka sa amana le one, a tlatsa ka gore go tla a bewa le dikaedi tsa tlhagiso go babalela matshelo. O ne a tlatsa ka go re le ditshekatsheko go tswa kwa go ba lekgotla la ditshaba la botsogo di supile fa marang a mafaratlhatlha ao a babalesegile a sena diphatsa dipe. Mme Chicho o ne a tlhalosa fa ba sena teseletso ya go gokaganya matshwao a diromamowa le megala ya dikhamphani tse di ikemetseng mo mafaratlhatlheng. BOKHUTLO society 9 Boitshwaro mo tirong mmammane Banana ba ba mo mananeong a Tirelo Setshaba, internship le Government Voluntary Scheme (GVS) ba gakolotswe go itshwara sentle mo tirong. Mafoko a a builwe ke mookamedi mogolo mo lephateng la national service and internship, Mme Omphitlhetse. A re go na le dingongorego tsa gore bangwe go tswa mo ditlhophaneng tse, bogolo jang ba Tirelo Setshaba ga ba tseye tiro ka tlhwaafalo, e bile bangwe ga ba theogele sentle. Mme Omphitlhetse o ne a bua se kwa phuthegong e lephata la gagwe le neng le rulaganyeditse banana ba bosheng. A re go na le kgang e nngwe e e leng gore mo go yone ba ne ba begelwa fa mongwe a ne a tlhoka kutlwisisano le moeteledipele wa gagwe mme la bo le mo itaya. O gwetlhile banana gore ba nne le ponelopele ya matshelo a bone ka gore mananeo a Tirelo Setshaba ga se mananeo a sennela ruri. O kopile basha gore fa ba ntse ba le mo mananeong a, ba ikgolaganye le mananeo a mangwe a puso mme ba itirele dikhamphani, ba bo ba ikopele madi a tsa kgwebo go tswa maphateng a banana, le a bong, le a mangwe fela jalo gore ba ipulele diphatlha tsa ditiro ba bo ba hire ba bangwe. O ba kgothaditse gore ba ititeye ka thupana gore ba tle ka ditsela tse di ka ba thapang, mme ba se ipolelele gore ba tlaa kgaogana le mananeo fa sebaka se ba se filweng se khutla. O ne a ba kopa gape gore ba se letele go okelediwa dingwaga tsa go direla mo mananeong a teng, mme ba tseye boikarabelo jwa go tswelela mo botshelong. O tlhaloseditse baithaopi ba mananeo ao fa go se kake ga kgonagala gore goromente a tlhamele banana botlhe diphatlha tsa mebereko. A re le fa go ntse jalo, ba gakolola maphata go thapa baithaopi ba bone. A re gone jaana maphata mangwe go balelwa le la gagwe a setse a hirile baithaopi bangwe. Mme Omphitlhetse o kgothaditse baithaopi gore ba diragatse ba bo ba dirisanye sentle le baeteledipele ba bone gore ba nne le sebaka sa go ba kgatlha, mme ba felele ba hirilwe. Mme Omphitlhetse o ne a re maikaelelo a phuthego ke go fa baithaopi ba mananeo sebaka sa go abelana megopolo le bone, le go ba senolela ka tse dintle le tse di botlhoko tsa ditiro tse ba leng mo go tsone. Ba bo ba ntshe megopolo ya gore lephata la banana le ka tokafatsa jang mananeo go solegela banana molemo. Fa ba akgela, bangwe ba banana ba ne ba tlhalosetsa ba Tirelo Setshaba ba tlhalositse fa mangwe maphata a puso a sa ba tsee tsia. Bangwe ba kopile gore go nne le thulaganyo ya gore ba tsenngwe fa ba ka anywang botsipa bongwe teng gore fa go tla nako ya gore ba tlogele Tirelo Sechaba, ba bo ba na le kitso e e ka ba thusang go tswelela pele. Bangwe ba ngongoregetse gore mabaka a tsa pereko kwa ba leng teng ga a ba tswele mosola ka gore ba dirisiwa go phepafatsa fela mme se ga se ba fe kitso epe ya tiro. E bile go ba baya mo diphatseng tsa botsogo ka gonne ga ba fiwe le tsone diaparo tsa itshireletso fa ba phepafatsa, e bile bangwe ba re ba phepafaletsa mo matlwaneng a a nang le dichefi kana botlhole jo bo sa siamelang botsogo. Matirelo Setshaba a mangwe le ma-intern ba re ba fiwa tiro e ntsi kwa morago ga dinako tsa nako tsa pereko kwa ba berekelang teng mme ga ba duelelwe dinako tseo ka madi kana malatsi. Ba re fa ba theogedisiwa kwa ntle ga lefelo la pereko kana ba lala koo, ga ba duelelwe dijo le malalantle jaaka bodiredi. Ba Tirelo Setshaba kwa komponeng ya Botswana Power Cooperation (BPC) le ba bangwe ba re bone ba tshwenngwa ke gore fa ditiro di nna teng mo komponeng mme di tlhoka ba ba setseng e le babereki ba kompone, ma-Tirelo Sechaba ga ba letlelelwe go iteka lesego gotwe ga se babereki ba lephata. Ba Tirelo Sechaba kwa lekgotleng la kabo ditsha, ba kalwa fela jaaka babereki ba bangwe mme fa go tla mo go thapiweng go lebelelwa maduo a babereki fela. BOKHUTLO society 9 Sekole se akgola barutabana E rile bosheng sekolo se se botlana sa Madikwe sa abela barutabana bangwe dietsele ba ba badirileng sentle mo dithutong tse ba dirutang. Fa a bua kwa moletlong wa kabo dietsele kwa Bobonong bosheng, mogokgo wa sekole se sebotlana sa Madikwe, Rre Kelapile Patiko, o boletse fa sekole sa Madikwe e le sa boraro go agiwa mo dikolong tse dipotlana tse di ferang bobedi kwa kgaolong ya Bobonong. A re sekolo seo sena le baithuti ba le makgolo a marataro le boferabongwe le borataro fa barutabana ba le masome a mabedi le boraro.O boletse fa ba abela barutabana dieetsele tsa godira sentle e le bontlha bongwe ja go ba tiisa moko go dira ka natla gore ba ba saletseng kwa morago ba iketee ka thupana go ntsha maduo a a kwa godimo. Rre Patiko o supile fa ka ngwaga wa 2014 bane ba bona maduo a 42.9% go tsweng mo barutabaneng ba ba ferang bongwe ,fa mo ngwageng o no wa 2015 barutabana ba le lesome le boraro ba bone 61,9% ba le bane ka ABC fa bale batlhano e le AB.O tlhalositse fa barutabana ba gapa batsadi maikutlo ka go rekela bana bangwe ba ba tswang mo malapeng a a kwa tlase ka go ba rekela paka ya sekolo. A re ba ipelafatsa ka gore ga gona ngwana yo o duleng mo sekolong bakeng la boimana,a supa fa letlhoko la boroko e le kgwetlho mo barutabaneng a supa fa barutabana ba le lesome e le bone ba nang le boroko moteng mopalo ya masome a mabedi le boraro.O boletse fa batsadi ba sekolo seo ba kokoantse madi a a kanakang P840 go dira moletlo wa go abela barutabana ba ba dirileng sentle di etsele. Fa a tswa la gagwe Mogolwane wa sekolo sa Botswana International University of Science and Technology Rre Boikobo Paya a re se sebotlhokwa ke go tswa ka tlharabololo le go tsaya kgato ka bofefo mo thutong ya bana bogolo jang e le barutabana.O boletse fa se sebotlhokwa ke gonna le pharologanyo ka fa barutang ka teng kwa bofelong maduo a nna kwa godimo,mme sekolo seo sekgathegelwe ke setshaba ka fa batsamaisang dilo ka teng. A re e le barutabana baipotse dipotso gore o kgone mo botshelong,fa o sa kgone goithuta,oa go kgona jang go ruta yo mongwe.Mogolwane wa lephata thuto le thabololo dikitso kwa Bobonong a emetswe ke mme Keneilwe Baruti a re go aba dieetsele mogokgo o bone gole maleba go leboga barutabana baipone bale motlotlo. Mokhanselara wa kgaolwana ya Dandane kwa Bobonong Rre Keoagile Ramatlotlo a re goruta ke go baya botshelo ja bana mo diemong tse dikwa godimo,a tlhalosa gore ere gona le diemo tse diapereng mo dikolong,mme ba bona gore ba dire thulaganyo ya go abela ba badirileng sentle ka go ntsha maduo. education 4 Molelo wa kgolagano o kgothatsa baithuti Mogokgo wa sekole se segolwane sa Makgadikgadi kwa Mosu, Mme Kolobetso Seabe, a re o dumela fa molelo wa kgolagano o tsisa lesedi e bile baithuti ba tlaa dira bontle mo dithutong tsa bone. Mme Seabe o buile se ka Mosupologo fa molelo wa kgolagano o ne o ile kwa sekoleng sa gagwe. A re molelo o bonesitse sekole e bile o tlaa gwetlha baithuti go tlhwaafalela dithuto tsa bone le go tsisa popagano magareng ga baithuti le badiri botlhe ba sekole ka molelo o ne wa dikologa le bone botlhe. Moithuti wa sekole sa Makgadikgadi e bile e le mogolwane wa bana ba sekole,Gofaone Oemetsemang o ne a supa fa molelo o tsisa kagiso, popagano le tirisano mmogo mo sekoleng, mo motseng wa Mosu le lefatshe ka bophara. A re lefatshe la Botswana pele ga boipuso e ne e le lengwe la mafatshe a a neng a humanegile thata mme ka ntlha ya tirisano mmogo le popagano mo nakomg eno le tsweletse ka go tlhabologa. Mothusa molaodi wa Boteti, Rre Thabo Baitseng o ne a rolela setshaba molaetsa wa ga Tautona mme a kopa gore o age mo dipelong tsa bone ka le ene a dirile thomo ya gagwe ka pelo yotlhe. Molaetsa o ne o gwetlha Batswana botlhe go tswelela ka go tlotlomatsa le go tshegetsa mowa o wa bo mmogo, ka e le yone fela tsela e re ka fitlhelelang loeto lwa tebelopele ya botlhe. Moithuti wa sekole se sebotlana Ogone Kelesaletse o ne a amogela molelo go tswa go mogokgo Rre Shingani Mazambi mo boemong jwa baithuti,a re o golaganya Batswana le ditshaba tse dingwe. O ne a supa fa a o amogela ka lorato, a le motlotlo e bile a ipela ka kagiso,lorato le mowa wa popagano o o renang mo lefatsheng leno. Bangwe bagolo ba motse ebong borre Boikanyo Ntshwarelang, Gilia Mazulugwa le Ntalabgwe ba ne ba neela setshaba ditso tsa motse le tlholego ya one. Rre Mazulugwa o supile fa merafe ya motse wa Mosu e akaretsa Bakalaka,Basarwa,Bangwato le Bakhurutshe mme botlhe ba bidiwa Batswana go itsa semorafe le kgaogano,a tlatsa ka gore o dumela fa molelo o tlaa ba tshwaraganya le go feta. Morago go ne ga etelwa matlotlo a tlholego a motswedi wa metsi wa Unikae le motswedi wa Mosu.Bagolo ba motse ba ne ba nna le sebaka sa go tlhalosa ka metswedi e. BOKHUTLO education 4 Ba le babedi ba tlhokafetse Rre wa digwaga tse di masome marataro le bongwe le mme wa dingwaga tse di fa gare ga masome a mane le masome a matlhano ba motsana wa Kacgae mo kgaolong ya Ghanzi ba tlhokafetse ba sena go nwa khadi. Go ya ka motshwarelela mookamela mapodisi a Ghanzi, Rre Batsho Muzola, bobedi jo, bo ne bo nole khadi pele ga ba ya go robala mme e rile mo mosong mme yoo a palelwa ke go tsoga. E rile rre yo a bona wa mme a sa tshikinyege, a ikuela mo baagisanyeng go tla go mo lebisa mme ba itsise mapodisi. Ba ne ba mo ragosetsa kwa sepateleng sa Ghanzi kwa go fetileng ga rurifadiwa fa a tlhokafetse. Go ya ka Rre Muzola, e rile mo tsamaong ya letsatsai, wa rre a supa a sa ikutlwe sentle mme le ene a isiwa kwa sepateleng kwa a fetileng a tlhokafalela teng. A re bobedi jo, bo ne bo nna mmogo. Rre Muzula a re, ba emetse maduo a bongaka go bona gore khadi e ne e tsentswe eng. Rre Muzola o kopile Batswana go ela tlhoko ka fa ba dirang majalwa ka teng. A re ba emise go nwa majalwa a ba sa itseng gore a utlwala jang,a tlatsa ka gore, ga gona Motswana o o sa itseng ka fa khadi e utlwalang ka teng. Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Muzola a re, ba tlhotlhomisa ditiragalo tsa petelelo tse mo go tsone go amegang bomme ba dingwaga tse di masome a mabedi le bobedi le masome a mabedi le boraro. Rre Muzola o tlhalositse gore nngwe ya tiragalo tse, e diragetse mo maphakeleng a matona a Tshipi kwa marekisetsong a dino mo kgotleng ya Kgaphamadi; fa e nngwe e diragaletse kwa kgotleng ya Bosele go bapa le sekole sa Pioneer gone mo Ghanzi. Mo tiragalong ya kwa Kgaphamadi go tshwerwe mmelaelwa mabapi le tiragalo eo fa ya Bosele ba santse ba le mo letsomong la selalome seo. crime_law_and_justice 1 Tswelelang ka go ilela segajaja sa corona Batswana ba gakolotswe go tswelela ka go ipabalela mo bolwetseng jwa COVID-19, jo bo begilweng mafatshe ka bontsi. Botswana mo bogompienong ga a ise a nne le dipego tsa ba ba nang le bolwetse mme kgakololo e tona ke bophepa le go sala morago dikgakololo gore batho ba itshole jang go thibela bolwetse. BURS e tsweletse ka loeto lwa melelwane e e santseng e butswe fa mengwe puso e ne ya tsaya tshwetso go e tswala, go laola metsamao ya batho. Loeto lo, ke go kanoka ka fa melelwane e ipapanneng ka teng le go bona gore fa go tlhaelang teng go ka thijwa jang go sireletsa Batswana. Motshwarelela mookamedi wa ditirelo Rre William Nkitseng fa a etetse molelwane wa Ramokgwebana bosheng, o tlhalositse fa e le mongwe wa e e dirisiwang thata. Rre Nkitseng o boletse fa go tlhagoga ga COVID-19 e le seemo sa tshoganetso se se tlhokang go tsibogelwa ka go tsaya dikgato tse di maleba. A re ke ka moo puso e ba rebotseng go dikologa le melelwane go tlhomamisa gore tsotlhe di mo maemong a a lolameng le go abelana megopolo. Rre Nkitseng a re le fa bolwetse bo ise bo nne teng mo Botswana, go botlhokwa gore setshaba se nne malala a laotswe ka dinako tsotlhe le go inaakanya le tsotlhe tse di tlhokwang go kganela kanamo ya bolwetse. O ne a tsibosa badiri ba maphata a a farologaneng ba ba direlang kwa melelwaneng go netefatsa gore tshireletsego ya bone ke ya maemong a a kwa godimo ka jaana ba amogela batho ba ba gorogang go tswa kwa mafatsheng a sele mme seo se ba baya mo diphatseng tsa go angwa ke bolwetse. Rre Nkitseng o ba kgothaditse go bereka ba le seopo sengwe, ba tlhomamise gore ba tsutlagana ditsompelo tse di leng teng. Mongwe wa bagolwane ba BURS, Mme Mama Maite o kopile Batswana go kokobela maikutlo, go sa letlelela letshogo go ba apara mme ba ikanye Modimo. Mme Maite a re o na le tsholofelo ya gore fa setshaba se ka tswelela ka go itshiretsa, se ka falola bolwetse. Le fa go ntse jalo, go tlhalositswe fa go na le dikgwetlho dingwe tse di ka holodisang maiteko a go kganela bolwetse jaaka go tsena mo lefatsheng leno ga bangwe ka bokukuntshwane. Tlhaelo ya metsi mo metseng mengwe le gone kwa molelwaneng wa Ramokgwebana le yone ke nngwe ya tse di tshwenyang. health 6 Banni ba kopiwa go dirisa lenaneo Banni ba Itholoke mo kgaolong ya borwa ba kopilwe go dirisa lenaneo la Nteletsa 2 la go isa ditlamelo tsa maranyane kwa metseng e e kgakala le ditlamelo. Lenaneo leo le simolotswe keBotswana Telecommunication Corporation (BTC) mo dikgaolong tseo goisa ditlamelo tsa go kwala ka khomputara go dira meriti ya dipampri ga mmogo Madirelo ao a ne a fiwa dikomiti tsa ditlhabololo mometseng eo gore ba a tsamaise le go direla dikomiti tsa bone madi. Mo potsolotsong bosheng, modiri ko madirelong ao Mme Patricia Moshombe, a re banniba motse oo ba boutsana go akola ditirelo tsa lenaneo leo le ntswa le na le O ne a tlhalosa gore ditirelotsa mafaratlhatlha a maranyane tsone ga ba di kgatlhegele ,mme di akolwa felake badirelapuso ba ba berekelang koo. O ne a supa fa go tlhokafalathuto mo banning gore ba itse gore ba tsenya jang didirisiwa tseo mo tirisong. Mme Moshombe a re ene o ne aisiwa dithutong go ya go rutuntshiwa go dirisa dikhompiutara le didrisiwa tsedingwe tse a di dirisang letsatsi le letsatsi. O ne a kgothatsa banni gore ba tsibogele lenaneo leo mmeba tle go botsa se ba sa se tlhaloganyeng gore le bone ba le akole. Le fa go ntse jalo, mongwe wabanana ba koo Rre Keipoletse Hoje ene o ne a tlhalosa fa lenaneo leo le mosologela molemo ka ditsela tse di farologaneng. A re le ba thusa thata fa bana le dintsho ba batla go dira lenaneo la thulaganyo ya phitlho. O ne a supagape gore le fa a batla go dira meriti ya ditlankana ga a sokole ka go ya koKhakhea,o dirisa ofisi eo e e dirisang marang a letsatsi. Rre Hoje a re o itumelelalenaneo la Nteletsa 2, fela o santse a tlhaela kitso ya go dirisa maranyane aInternet. education 4 Lephata le simolodisa ditekeletso tsa go kganela kgotlholo e tona Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Dithojane, Rre Kesolofetse Koosaletse a re komiti ya bone e bone go le botlhokwa go abela sekole se sebotlana sa Dinokwane ka tlhokomelo e e tsepameng e rotloetsa ngwana go dira sentle mo dithutong. O buile jaana bosheng kwa Serowe, jaaka fa komiti eo e ne e aba melora le mesangwana go thusa basetsanyana ba ba ka nnang le seemo sa go bona setswalo ba le kwa sekoleng. Rre Koosaletse a re sekole sa Dinokwane se tsaya bana ba ba tswang mo masimong a Masama le Motlhabaneng, ka jalo bana ba e le bana ba ba tswang kwa malwapeng a itsholelo e e kwa tlase. Modulasetilo a tlhalosa fa ba dirisitse P1 000 go tswa mo letloleng la komiti ya bone go reka dimpho tseo. Mo kamogelong botsadi joo, jo bo neng bo patilwe ke Mopalamente Kgotla Autlwetse, Mogokgo Boikhutso Mokomane o ne a re letsatsi leo le botlhokwa ka ba kgonne go bona le mopalamente yo ba sa kgoneng go mmona ka mabaka a tsa tiro. Mogokgo o ne a tlhalosa fa sekole sa gagwe se lebanywe ke dikgwetlho di le mmalwa di akaretsa tlhaelo ya matlwana a borutelo. A re ntswa matlwana a bone a tshwanetse go amogela bana ba le masome mabedi le botlhano, ba kgona go tsaya bana ba le masome mararo, selo se a tlhalositseng fa se sa siamela botsogo jwa bana le fa e le ene morutabana ka go a bo go le mosuke. Mogokgo o supa fa ba tlhoka koloi e e ka rwalang bana ba ba nnang kwa masimong a Masama le Motlhabaneng go ya le go boa kwa sekoleng ka go le sekgala. “Bana ba ba goroga ba lapile, selo se se felelang se ama tiro ya bone ya sekole ka gore ba abo ba otsela ba sa utlwe fa go rutwa. Fa e le paka ya dipula ba tla ba kolobile le tsone dibuka tota, fa gongwe ba tla ba sa tlhapa le go ja ba sa ja, ba supa go sena metsi kwa ba nnang teng.” Mogokgo o ne a kopa mopalamente gore a ba thuse ka paka ya sekole ka gore ba utlwalela fela a aba kwa mafelong a mangwe, ka jalo ba ipotsa gore o tlaa ba gopola leng. O supile gore sekole sa bone se dira sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa, ka gore ba ne ba tsere maemo a ntlha ka 2016, ba tsaya maemo a botlhano ka 2017,mme ka 2018 ba tsaya maemo a bobedi mo dikoleng tse di masome mararo le bongwe tse di mo kgaolong ya bone. Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Kgotla Autlwetse o ne a leboga Komiti ya Dithojane go bo ba bone go le botlhokwa go thusa bana ba sekole sa Dinokwane ka gore puso e le nosi ga a kake ya kgona ka go bo itsholelo ya lefatshe e santse e le kwa tlase, mme a ba solofetsa gore ga a a ba lebala ka paka ya sekole, e tlaa tla. O nle a supa gore mo Serowe o abetse sekole se sebotlana sa Motetshwane ka segolo bogolo a lebile gore se na le bana ba ba nang le bogole. health 6 Pilediwa e a lwelwa Batsadi ba gakolotswe go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana, ka go nna ba tsibogela diphuthego tsa sekole. Kgosi wa Mmatshumu, Rre Keletshwaretse Phetsogang a re go lebega bana bangwe ba ba dirang dithuto tsa bone tsa magare kwa sekoleng se segolwane sa Makgadikgadi, kwa Mosu, e le boikarabelo jwa barutabana ka gore batsadi ga ba ke ba tsibogela dipitso tsa sekole. Kgosi Phetsogang a re le fa go ne go se motlhofo go tswa Mmatshumu o ya Mosu, ka go se na dipalamo tsa setshaba mo tseleng e e gokaganyang metse eo, batsadi ba tshwanetse ba itse seabe sa bone mo thutong ya bana e bile ba se diragatse ka botlalo. O leboga batsadi ba ba nang le dikoloi ka mowa o montle wa go thusa ba bangwe ba tshwaraganela mosepele go ya go tsenelela diphuthego tsa sekole. O supile gore seemo seo se dira gore barutabana ba felele ba supiwa ka monwana fa bana ba sa dira sentle mo dithutong, ka jalo a re motsadi yo o tshwaraganang le sekole o ka kgona go lemoga dikgwetlho tsotlhe tse di kgoreletsang. Kgosi Phetsogang a re go na le bana bangwe ba ba thobang kwa sekoleng mme batsadi ba bone ba felele ba nna le bone mo malwapeng ba sa dire maiteko a go itshwaraganya le sekole go tlhotlhomisa se se ka tswang se kobile ngwana le gone gore a kgone go ya go tsweledisa dithuto. A re bangwe ba bana bao ba felela ba sa boela sekoleng gotlhelele. Go tlhoka go duela seabe sa batsadi mo thutong le go ntsha lemme le le dirisiwang go reka dithoto tse di tsamaisang sekole le gone go tlhalositswe e le kgwetlho. O kopile ba ba nang le kgwetlho ya go thusa bana gore ba seka ba itlhoboga mme ba ikopanye le ofisi ya boipelego le bogogi jwa motse gore ba kgone go fiwa dikgakololo. O supile gape gore ba ofisi ya khansele le bone ga ba kgetholole ka gore mo mabakeng a a thata ba kgona go thusa le bana ba ba sa thusiweng ka ditlamelo ke khansele ka sepalamo, ka nako ya dikole di tswalwa le fa di bulwa. Le fa go ntse jalo, a re legale ga a rotloetse batsadi gore ba seka ba rulaganyetsa mosepele wa bana ba bone. Bokhutlo education 4 Lenaneo le ntsha maungo Banana bangwe ba supa fa dithuso tse ba di fiwang ke ba lephata la banana di sa wele mo motlhobodikeng. Ba rurifatsa fa ba ntsha maduo a a ka tsogang a jesa lefatshe leno. Fa a tlhalosa mo potsolotsong, Mme Seolebaleng Mojombe a re o ne a bona dithuso ka 2011 morago ga go direla mo lwapeng dingwaga di supa, mme a simolola temo ya merogo ka 2012 jaanong thobo e a nametsa. A re lephata le ne la mo thusa ka kago ya moriti, kgokelo ya didirisiwa tsa nosetso, tanka e e somarelang metsi, dipeo le didirisiwa tsa temo. A re ba ne gape ba mo thusa ka go mo fa dithuto tse a di tlhokang di tshwana le go lema le go somarela thobo. Mme Mojombe a re monongwaga o lemile mefuta ya ditamati ka go farologana, digwete, khabetshe, pherefere, sepinatshe le dikwii mme tsotlhe di dira se ntle le thobo e a solofetsa. Mme mojombe a re ditamati di ungwile thata ka o ka fitlhela mo segwereng se le sengwe go na le maungo a le lesome le botlhano. A re khabetshe yone e santse e le mo ditekeletsong ka go lebega ba e lemile mo pakeng e e seng yone. O tlhalosa fa sejalo se se sa tsamaisane le mogote, ka jalo a re o batla go bona gore a mme gone e tlaa kgona go itshwarelela mo mogoteng wa Kgalagadi. Mme Mojombe o akgola ba lephata la temo-thuo ka ba setse ba kile ba ba thusa ka menontshane. A re o dirisa 2.3.4 le LAN mo merogong le tse di ntshang digwere mme mo go tse dingwe o dirisa motshotelo. Mme Mojombe a re mathata a motona ke diji. A re o tshwenngwa thata ke digokgo tse di agang bobi fa godimo sa dijalo mme di tlogela mae a a bakang diboko. A re gape o tshwenngwa ke podile e e jang matlhare. Mme Mojombe a re o santse a sokola ka thekiso, a re marekisetso a mogolo a batla dithoto di tsentswe mo mabokosong le fa go na thobo ya kgapetsakgapetsa mme ga a ise a kgone go dira jalo. A re mo bogompienong o santse a rekisetsa banni ba motse wa gagwe le e e mabapi. A re le fa go ntse jalo, theko e santse e le boutsana ka batho ba reka ka bongwe ka bongwe. Mme Mojombe a re fa thobo e le yone jaaka ya monongwaga kilokereme e le ngwe ya ditamati e lopa P23 mme fela dikgwetlho di tshwana le metsi le diji di diga thobo ya gagwe. O ne a supa matshwenyego a matona ka lephata la metsi a re metsi a a tura. Are mo bosheng o ne a sa twa go duela P5 000 mme se se dira gore kgwebo ya gagwe e seka ya gola. One a digela ka go kopa puso go ba sekasekela gore a ga go na gore go ka dirwa gore ba seka ba babalelwa ke ditlhwatlhwa tsa metsi. A re lenaneo le le ne le ka namola Batswana mo lehumeng mme ke diemo tse di ntseng jaana tse di bakang gore maiteko a puso a folotse. society 9 Kgotla ya Tati Siding e atlholela monna kgolegelo Lekgotla la ditsheko la Setswana la Tati Siding kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba le atlholetse Alfred Kenyafetse kgolegelo ya dingwaga tse tlhano ka molato wa bogodu jwa leruo. Go tlhalosiwa fa Kenyafetse yo o dingwaga tse di masome a mararo le boferabongwe, yo o tlholegang kwa Thamaga mme mo nakong eno a nna kwa Tati Siding, e ne ya re mo makukung a kgwedi eno e le masome a mabedi le borataro a utswa podi ya pholo mo lesakeng la monni mongwe wa Tati Siding. O ne a tshwarwa ke mapodisi a a neng a le mo paterolong ka nako ya botlhano gone ka letsatsi leo, a e pegile mo baesekileng a setse a e bolaile mme a ise a bowe. Tsheko e ne ya tsena ka lone letsatsi leo, mme mosekisiwa o ne a ipona molato, a kopa lekgotla go mo utlwela botlhoko ka jaana a tlhokomela ngwana wa gagwe le nkukuagwe. Fa a ntsha katlholo, Kgosi ya Tati Siding, Kgosi Simon Nkgageng o ne a tlhalosa fa molato wa bogodu jwa leruo o le masisi, ka jalo o sa tlhoke boitshwarelo bope mme modira molato mo go one a tlhoka go gagamadiwa phogwana. A re le fa gone mosekisiwa e le modira molato wa ntlha, fela lekgotla le bone go tshwanela gore a ye go disa poo lebaka la dingwaga tse tlhano go bontsha ba bangwe gore bogodu jwa leruo bo ilwa lebaibai. Podi eo e ne ya tlisiwa fa pele ga lekgotla e le bosupi mme lekgotla la laola gore e busediwe mong wa yone. Gontse go le foo, Kgosi Nkgageng o ne a gwetlha banni ba Tati Siding go tlhokomela leruo la bone le go netefatsa gore ba le tlhatlhela ka dinako tsotlhe go tila gore le utswiwe ke magodu. O tsweletse a kopa banni go nna ba loma mapodise tsebe ka ope fela yo ba ka tswang ba mmelaela mo motseng ka seo se ka fedisa borukuthi mo motseng wa bone. crime_law_and_justice 1 Ba metse ya Paje, Mabeleapodi le Majwanaadipitse ba lela ka lenyora Banni ba metse ya Tshimoyapula, Paje, Mabeleapodi le Majwanaadipitse kwa kgaolong ya botlhophi ya Serowe Bokone ba ikuetse mo mopalamenteng wa bone, Rre Kgotla Autlwetse mo diphuthegong tsa kgotla ka lenyora le le ba tlhakalaleditseng kwa metseng ya bone. Ba ngongoregetse gore badiri ba koporasi ya setshaba ya metsi ga ba nke ba ba rerisa fa ba na le mathata ka jalo ba kopa gore ba nne ba ba bolelela fa go na le seemo se se amang matshelo a bone. Mogolwane go tswa kwa kopo Water Utilities Corporation, Rre Nkgakololang Rankgobo o supile fa ba itse ka mathata a metsi kwa metseng eo mme a gokela sediba sa Seokoso gore ba kgone go siela batho ba metse ya Paje le Mabeleapodi. Rre Rankgobo a re Water Utilities e ne e dumalane le Botswana Power Corporation gore e siele metse ya bone metsi ka metsi aa dirisiwang kwa Morupule a feta ka Paje mme ya re mo tsamaong ya nako ba supa fa ba nnile le koketsego ya tiriso ya metsi kwa Morupule ka jalo ba ka se kgone go diragatsa kopo eo. Mo go tse dingwe badula setilo ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse eo ka go farologana ba supile fa ba dirisitse madi a a abetsweng kgaolo ya bone go tlhabolola metse ka go aga mantlo a boroko a LA2 motse mongwe le mongwe mme ba supa fa ditiro tsa bone di saletse kwa morago ka lone letlhoko la metsi le di dirisiwa tse dingwe tsa kago jaaka ditena. Ba supile gore fa ba ka salelwa ke madi ba tlaa dirisa go aga matlo a badisa dikago kwa dikokelwaneng. Rre Autlwetse, yo gape e leng mothusa tona wa temo thuo o ne a tlhalosa fa lengwe la mabaka a loeto lwa gagwe e le go tla go ba rerisa ka go tlogela tiro ga ga Tautona Mopitlo a fela. Rre Autlwetsi o ba itsisitse fa Tautona a setse a simolotse loeto lwa gagwe la go laela mme mo metseng e mengwe a tsamaya a laela mo dikgotleng tse di tona fa kwa Serowe go tla nna le pharologanyo ka gore ke legae la gagwe e bile ke kgosi kgolo ya ga-Mmangwato. A re e tlaare Mopitlo a tlhola malatsi a le masome mabedi le bobedi o tlaabo a laela kwa kgotleng ya Moiyabana a bo a fetela kwa kgotleng ya Paje mme go tswa foo a laele kwa Mmashoro. A re Tautona o fetsa go laela kwa kgotleng kgolo ya ga-Mmangwato kwa Serowe ka Mopitlo a le masome a mabedi le boraro. O kopile banni ba metse eo go baakanyetsa loeto lwa ga Tautona e bile e le kgosi ya bone le go supa gore ba berekile le ene e le mopalamente wa Serowe Bokone. A re tiro e e batla batho botlhe go tsenya letsogo gore e tle e atlege. Rre Autlwetse a re ba tshwanetse go supa gore ba berekile le Tautona ka botswa pelo jaaka e ne e le moeteledipele yo o neng a kgathala ka matshelo a batho. BOKHUTLO society 9 Omang ke selotlolo E rile bosheng, tona wa tsa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu a tlhalosetsa banni ba Makopong kwa Kgalagadi fa puso e batla gore Motswana mongwe le mongwe a nne le kitso. Tona Batshu o itsisitse banni ka ditirelo tsa lephata la gagwe mme kgang kgolo e a e amileng ke botlhokwa jwa go nna le karata ya Omang fa o le Motswana. A re Omang ke sesupo se se rurifatsang gore motho ke Motswana, ka jalo a nne le tshono ya go akola ditirelo tsa puso tse di fiwang beng gae di akaretsa dithuto,dithuso tsa botsogo,ditlhopo,ditiro le mananeo a puso. O ne a tswelela a tlhalosa fa go tlhoka Omang go itsa batho dithuso a fa sekai gore Batswana bangwe ga ba kgone go fiwa mananeo a tokafatso matshelo ke ka moo lehuma le gakalelang pele lentswa puso e leka bojotlhe go thusa Batswana ka mananeo gore ba kgone go ipelega. Ka mafoko a tona o ne a kopa banni ba Makopong a soga diatla gore fa go nale ba ba senang dikarata tsa bo Omang ba simolole thulaganyo ya go dira dikarata tsa Omang a ba tlhalosetsa fa letlhoko la Omang le ba swala le ba ntsha dijo ganong. Se sengwe se Tona Batshu o neng a tlhagisa ba Makopong ka sone ke botlhokwa jwa ikwadisetso matsalo le dintsho e e dirwang kwa lephateng la gagwe. O tlhalositse fa molao motheo wa lefatshe leno o gatelela gore ngwana o o tsholwang mo lefatsheng la Botswana go sa kgathalesege gore batsadi ke beng gae kana batswakwa,o tshwanetse go kwadisiwa matsalo mo sebakeng sa malatsi a masome a marataro ngwana a sena go tlholega.A re go sa nneng jalo ke molato. Tona o kaile fa se se direlwa go itse palo ya batho e e thusang puso go dira ditogamaano tsa ditlhabololo tse di tla tlhokegang mo isagong,go tlhagolelwa bana ba tsela ya gore ba akole ditlhabololo le ditirelo go sena ba ba tlhaelwang,a ntsha sekai ka gore fa go naale dipalo tsa bana puso e ka itse gore mo isagong go tla tlhokega dikole di le kae mme go heme diemo tse bana ba tlhaelwang ke matlo a borutelo ba tsenela dikole fa tlase ga ditlhare. Le fa go ntse jalo tona o ngongoregile ka Batswana ba ba kwadisang batswakwa ba ikana fa pele ga magosi gore ke bana kana masika a bone mme go sa nna jalo,a re se ba se dirang ke molato wa go bolelela modirela puso kgang e e seng boammaruri. Tona o kaile fa lephata la gagwe le kopane le dikgang tsa go tshwana le tse di le mmalwa,mme o ne a kopa banni ba Makopong go ikgapha mo dikgannyeng tsa go tshwana le tse. Fa a bua ka kwadiso ya dintsho,tona o ne a gatelela fa kwadiso e le botlhokwa fela jaaka ya matsalo,a kaya fa kwadiso ya dintsho e nale karolo e e tlhalosang se se bakileng dintsho ka jalo go ka thusa mo go anamiseng gore dintsho di bakiwa thata ke eng,ebile go ka nna motlhofo go hema dilo tse di bakang dintsho. Godimo ga moo a re kwadiso dintsho e thusa gore go lemogiwe gore ke letlhakore lefe le tlhokafalang thata le gore go ka thusiwa jang, gape go lemotsha gore ke setlhopa sefe se se amegileng thata mo dintshong ebile matlhoko a kae,le gore fa go tlhokafalang kabo ya madi e fudusetswe teng,o ne a fa sekai ka gore fa e le gore bontsi jwa dintsho ke tsa bagodi go tla bo go reela gore madi a a abelwang tantabala a tshwanelwa ke go fokodiwa go thusiwa kwa letlhoko la madi le leng lentsi. Mo go tse dingwe,Tona Batshu o ne kgothatsa banni go dira pasa e ntsha a re ba seka ba ledisiwa ke tlhwatlhwa ya P260.00 a re oa itse gore bontsi jwa Batswana ba lela ka tlhwatlha mme tlhwatlha e e kwa tlase fela thata ke monka tsaya tanki fa go tshwantshangwa le madi a mantsintsi a puso e a dirisang go dira pasa e. O ne a tswelela a gakolola banni gore go tlhoka pasa ke gone mo go raelang bangwe go tlola terata,se a reng ke molato ebile go senya kagiso e e rerwang pina ya sechaba,a re go tshwana le go fitlha le go sireletsa batswakwa ba ba tlolelang mo Botswana ba sena teseletso. Tona Batshu o ne a gatelela kgang e a re batswakwa ba ba tsenang mo lefatsheng ba abo ba roba melao,jaanong Batswana ba ba sireletsang batho ba go nna jalo ba ipotse gore batho ba a go tswelela ba dira melato e e kae,le gore a ga se dilalome tse di ka felelang di senya kagiso e e renang mo lefatsheng leno. Ntlha e nngwe e tona o neng a e tlhalosetsa morafe wa Makopong ke ka boagedi jwa Botswana,a tlhalosa fa Motswana e le motho yo o tshotsweng mo lefatsheng leno ke Batsadi ba Batswana. O kaile fa lefatshe leno le sa letlelele boagedi jo bo gabedi kwa ntleng ga fa ngwana a tshotswe ke Motswana le motswakwa mme fa ngwana yo a nna dingwaga tse di masome mabedi le motso o tshwanelwa ke go tlhalosa ka mokwalo gore mo boageding jo bobedi o tlhopa bofe. Fa ngwana a sa itshupe gore o tsaya bofe boagedi,Tona Batshu a re mo dibukeng o a phimolwa ga a sa tlhole a nna Motswana,ka jalo a gakolola ba ba naleng seemo sa boagedi jo bogabedi le ba ba tla nnang le seemo sa mofuta o, go diragatsa tsamaiso gore ba seka ba iphitlela ba latlhegetswe ke boagedi jwa Botswana ba ne ba bo batlile. E ntse e le mo go tsa boagedi,tona o itsisitse banni ba Makopong gore fa motswakwa a nyetswe kana a nyetse mo Botswana a batla go tsaya boagedi jwa Botswana o tshwanetse go tsaya baagedi ba nakwana mo Botswana ka teseletso a nna lobaka lwa ngwaga tse tlhano a itshwere sentle,e bo e le gone go ka sekasekwang gore o ka fiwa boagedi,fa go fitlhelwa a sena dilabe o ka bo fiwa. Le fa go ntse jalo tona o ledile ka batswakwa ba ba jang Batswana ntsoma ba ba nyala e se ka lorato le peloyotlhe mme ba gabile go tsaya boagedi fela ba batla go akola ditirelo tsa Botswana ka batswakwa ba meletsa boagedi jwa Botswana mathe ba re lefatshe le ke la mashi le dinotshe,ka jalo a gakolola banni bogolo jang bomme go tlhalefelela manyalo a batho ba ba tlang ditshono eseng lorato. Tona o ne a tlhalosetsa batsena phutego e gore bagwebi ba batswakwa ba ba tlang go tsaya boagedi mo Botswana ba tshwanetse go nna dingwaga tse di lesome mo Botswana ka teseletso,mme ebile ba tshwanetse go supa fa kgwebo ya bone e le e pharologano e Batswana ba ka se keng ba e kgone,gape kgwebo e e tshwanetse go sologela Batswana molemo e ba thapa. Fa a ntsha la gagwe Kgosi Hatshejotlhe Phologo wa Makopong,o ne aleboga tona Batshu ka leeto la gagwe a re ke tona wa ntlha go etela motse wa Makopong kwa ntle ga botona ba e neng e le mapalamente a kgaolo ya Kgalagadi ka jalo o dumela gore tona o buletse botona ba maphata a mangwe go lekola motse wa gagwe. Le fa go ntse jalo,Kgosi Phologo o ne a lelela mo go tona ka terata ya molelwane e e mo seemong se se sa siamang le sekgwa se se fitlhileng molelwane gore o seka wa bonala. O ne a gatelela fa sekgwa se se thatafaletsa basepodisi,sesole le ba lephata la tsa mesepele le dipasa(immigration) go tlhokomela molelwana ba etse seemo tlhoko(patrol,ebile gape sekgwa se ke fa dirukutlhi tsa molelwane di iphitlang teng bogolo jang magodu a leruo. Godimo ga moo Kgosi o kaile fa sekgwa se se tlhofofaletsa magodu go tlodisa dithoto,ka jalo Kgosi o ne a kopa gore banni ba metse e molelwane o fetang go bapa le yone ya Draaihoek,Makopong le Werda ba thapiwe ka lenaneo la Ipelegeng ba tlhagole sekgwa se se mo molelwaneng go hema borukutlhi jwa molelwane. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Makopong rre Meshack Ntau,o ne a ngongorega ka seemo sa tsela e e yang kwa diofising tsa mesepele(Boarder post) a re e mahuti ka jalo e baya ba dikoloi mo diphatseng,a kpa gore tsela e e baakangwe go kganela dikotsi tsa dikoloi. politics 7 Mosadi o fitlhetswe a tlhokafetse Mapodisi a Masunga a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme mongwe a fitlhetsweng a rapaletse mo bodibeng jwa madi a tlhokafetse. Go ya ka motshwarelela mookamela mapodisi a Masunga, Assistant Superintendent Thuso Basuti, tiragalo eo e diragaletse fa gare ga motse wa Matenge le noka ya Shashe. A re mme yo, o ne a bonwa ke mongwe yo neng a begela mapodisi ka tiragalo eo ka Sontaga, mme ba fitlhela a na le dikgobalo mo tlhogong mme a ragosediwa kwa kokelong ya Masunga kwa go neng ga tlhomamisiwa fa a tlhokafetse. Go tlhalosiwa fa mme yoo, yo o dingwaga tse di magareng ga masome a mane le botlhano le masome a matlhano, a tlholega kwa Kutamogoree mo kgaolong ya Legare. Rre Basuti o boletse fa ba santse ba tsweletse ka ditlhotlhomiso go bona se se ka tswang se bakile leso la mme yoo, a tlhalosa fa ba ise ba tshware ope mabapi le tiragalo eo. A re maina a moswi a santse a lobilwe go fitlhelela ba masika ba itsesiwe, fa setopo sa gagwe se le kwa setsidifatsing sa sepatela sa Masunga go tlhatlhobiwa ke dingaka. E re dikgang di eme jalo, lekgotla la Setswana la Tati Siding le pegile borre ba le bane dithupa tse tlhano mongwe le mongwe wa bone, morago ga go bonwa molato wa bogodu. Go bolelwa fa borre bao ebong, Pekns Kwarire wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa,Jimy Kwarire wa dingwaga tse di masome a mabedi le borataro, Jimy Elias wa dingwaga tse masome a mararo le boferabongwe mme a direla mo koneng ya China Railways le Elijah Ndipange wa dingwaga tse di masome a mabedi le boferabobedi le ene e le modiri wa kompone eo, ba ne ba utswa lookwane la diesel la 800 litres mo metshining ya komponeng ya China Railways e e dirang tsela ya Francistown/Tonota. Go ya ka bosupi jo bo beilweng lekgotla pele, borre bao ba ne ba bonwa ke bangwe ba ba neng ba feta mo tseleng ba ntsha leokwane mo metshining ba tshela mo dikopong kgwedi eno e le boferabobedi, mme ba loma mapodise tsebe. Mapodise a ne a ya kwa lefelong leo mme ba fitlhela borre bao ba santse ba tshotse leokwane leo. Tsheko eo, e ne e le fa pele ga ga kgosi Simon Nkgageng wa Tati Siding yo neng a kopa gore mokgwa wa go utswa le go senyetsa bangwe o emisiwe ka ponyo ya leitlho ka o ka felela o diga itsholelo ya lefatshe leno. Lekgotla le ne la laola gore lookwane leo le busediwe kompone eo. crime_law_and_justice 1 Boitshwaro jwa bana bo tshwenya batsadi Batsadi le badirelapuso ba Mathako mo kgaolong ya Legare ba tlhalosa fa ba sa itumedisiwe ke boitshwaro jwa bana fa ba tsena kwa dikoleng tse dikgolwane. Mo thuto-puisanong e e neng e tsenwe ke bana ba ba dirang lekwalo la borataro le la botlhano gammogo le badirela puso kwa motseng oo bosheng, morutabana Mme Sarah Motladi a re fa bana ba santse ba le mo sekoleng se sebotlana ba itshwara sentle fela thata mme fa ba tsena kwa dikoleng tse dikgolwane tsa Mokobeng le Moeng ba fetola boitshwaro. O supile fa barutabana ba dikole tse dikgolwane tseo ba ba biletsa diphuthego gangwe le gape go ba bolelela ka masula a a dirwang ke bana ba bone. A re tiriso ya ditagi, go tlhokela barutabana le baithuti ba bangwe maitseo ga mmogo le go ima ga basetsanyana ke dintlha dingwe tse go lelwang thata ka tsone segolo bogolo. Mme Motladi o tlhalositse fa boitshwaro jo bo ama maduo a bana bao fela thata. A re bontsi ja bone ba tswa mo sekoleng se sebotlana ka maduo a mantle mme ba boe kwa dikoleng tse dikgolwane ka maduo a a sa itumediseng fa bangwe bone ba felela ba tlogela sekole. O rotloeditse bana ba dikole go gakologelwa malwapa a ba tswang mo go one dinako tsotlhe gammogo le go akanya ka fa ba ka a tokafatsang ka teng. A re ga ba a tshwanela go raelesega motlhofo jalo a ba gwetlha go tsaya ditshwetso tse ba lemogang gore di tlaa ba solegela molemo. Fa a mo tlatsa, Sergeant Makgekgenene Leano go tswa kwa ofising ya sepodise ya Machaneng e bile e le molomaganyi wa tsa twantsho borukhutlhi a re dipego tsa tiriso ya ditagi le didirisiwa tse di bogale di dintsi thata go tswa mo dikoleng tse dikgolwane tsa kgaolo eo mme ya motokwane yone e di goga kwa pele. Rre Leano a re le ntswa boitshwaro jo go lebega bana ka bontsi ba bo simolola kwa dikoleng fa ba kopana le ba bangwe ba ba tswang kwa metseng e mengwe, ba setse ba lemogile gore le fa dikole di tswetse ba tsweledisa boitshwaro joo le kwa magaeng tota. O kaile fa ba tshela ba phatlalatsa digongwana tsa bana ba dingwaga tse di kwa tlase fa gare ga bosigo mo godimo ga moo a re ba a tle ba kobe bangwe mo marekisetsong a dinotagi. Rre Leano a re se sengwe gape se ba se lemogileng fa ba ntse ba tsamaya le metse bosigo ke marato a bana bao mme a ba rotloetsa go ikgethela tsela e e siameng ya botshelo ba santse ba le dingwaga tse di kwa tlase. A re ba ba sa kgonang go dira sentle mo dithutong tsa bone ga ba a tshwanela go phutha matsogo gonne seo se ka felela se ba gogela mo moweng o o maswe. Rre Leano o ba gwetlhile go inaakanya le mananeo a a farologaneng a puso e a simolodisitseng go ba tlhamela ditiro. Mokhanselara wa Chadibe/Borotsi, Rre Gabautwe Maboka a re o solofela gore bana ba ba neng ba tsene thuto-puisano eo ba tlaa tsaya tsela e e siameng jalo a ba rotloetsa go gasa molaetsa mo balekaneng ba bone kwa dikoleng. O tlhalositse gore bana ba tshwanetse go simolola go nna le botho jo bo eletsegang ba santse ba le dingwaga tse di kwa tlase gore e nne baeteledipele ba ba nang le seriti mo isagong. education 4 Pasela morui yo o sa iponeng tsapa Mme Kenanao Pasela wa Kanye ke morui wa dinku le dipodi tse a di kopanetseng le Rre Philip mme ba ruetse ko polaseng ya Sunny Side ntlheng ya Otse. E rile a tlhalosa mo potsolosong kwa ditshupong tsa mono ngwaga tsa temo-thuo, Mme Pasela o boletse fa a simolotse go rua dihutshane ka ngwaga wa 2008. A re o simolotse fela a dirisa madi a pata ya gagwe ka jaana a ne a seka a atlega go bona madi a banana. “Ke simolotse go rua dinku le dipodi ka ngwaga wa 2008, ke sena go fetsa dithuto tse dikgolwane tsa bokwaledi, ke ne ke gwetlhilwe ke letlhoko la ditiro, mme ka bona fa leruo le ka mpoloka. Mme Pasela o ne a bolela fa leruo e le selo se se batlang bopelotele, boineelo ga mmogo le lorato go bona maduo a mantle. “Leruo le thoka maikaelelo e bile o le fa tlhokomelo e e tseneletseng, ntle le lorato le boineelo go ka nna thata, mme fa di setse di le teng, go rua e nna selo se se motlhofo thata,” ga tlhalosa Mme Palesa. Mme Pasela o ne a tlhalosa gape fa a thapile banana ba le bararo go mo thusa mo tlhokomelong ya leruo la gagwe ka jaana a na le ditiro tse dingwe tsa mo lapeng jaaka go thokomela bana. O tsweletse a tlhalosa fa ka boammaaruri leruo le na le dipoelo fela tse di itumedisang, “leruo le na le dipoelo fela thata, re kgonne go reka dikoloi, go aga ga mmogo le go tsenya bana sekole ka dipoelo tsa teng” ga tlhalosa Mme Pasela. A re dipoelo tse, di dirwa ke gore o nna le mmaraka o o atologileng ka jaana a rekisetsa motho mongwe le mongwe go ralala lefatshe leno. “Ke rekisetsa motho mongwe le mongwe, ga ke tlhaole e bile ga ke re ke rekisetsa dikgwebo kana marekisetso a matona fela, go dira jaana go nthusa go nna le bareki ba bantsi,” a tlhalosa. E re le ntswa leruo le na le dipoelo tse di nametsang pelo, Mme Pasela o ne a tlhalosa fa mathata e le bogodu jo bo tsweletseng, ka jaaana bo busetsa ko morago. A re gape diji tse di akaretsang bophokoje le ditswene le tsone di a tshwenya, a tlhalosa fa ditshwene tsone di e ja dipotsane mo sakeng. Le fa go ntse jalo, Mme Pasela o rotloeditse banana ba lefatshe leno go inaakanya le tsa temo- thuo ka jaana di na le maduo, e bile di ka thusa thata mo serung sa letlhoko la ditiro le go ntsha dijo tse di ka namolang lefatshe leno. Mme Pasela o tswa kgakala a ntse a tsenelela ditshupo tsa temo-thuo, monongwaga o gapile sekgele sa ‘champion milk tooth ewe 0 tooth, e le nku, ya tsaya gape sekgele sa ‘reserve grand champion’, Mo dipoding, Mme Pasela o gapile ‘champion 4 teeth’ ka podi ya gagwe ya ‘boer’, mme mongwe wa bathusi ba gagwe a ikgapela tlotla ya yo o itseng go tshwara pudi sentle. economy_business_and_finance 3 Ba kgothadiwa go tsaya karolo mo PMTCT Ba lephata la botsogo ga mmogo le ba lekalana la borre ba kgothatsa borre go ema bo mme nokeng le go tsaya karolo mo lenaneong la thibelo mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa loseeng (PMTCT) . Motsamaisa dithulaganyo tsa lenaneo le, mo kgaolong ya Boteti Mme Unanu Mountain a re ba rotloetsa bomme ba ba itsholofetseng go ikwadisa ka bofefo, a tlhalosa fa se, se ba fa nako ya go tlhatlhoba mogare le go ka thusa mo go simololeng kalafi nako e sale teng go itsa mogare go ka fetela kwa loseeng. A re fa lenaneo la PMTCT le simolola, le ne le itebagantse le bomme thata, mme se se fetogile, ka le akaretsa bo rre. O tlhalositse fa botlhe ba tlhatlhobiwa mogare mmogo, e bile ba tsenelela dithuto tsa kamuso ka lebele le tlhakanelo dikobo e e babalesegileng fa mme a itsholofetse. Mme Mountain a re dipalo di supa fa mme yo o nang le thotloetso ya mokapelo a felela a tshola losea le le itekanetseng ka jalo maikaelelo magolo ke go kgothatsa borre gore ba eme bomme ba bone nokeng ka dinako tsotlhe. O kaile fa tshwaragano le bo rre, e ka thusa go fenya diemo tse di amanang le go sa sa ikwadiseng ga bo mme le go ya kokelong fela ka nako ya pelegi. Moakamela dithulaganyo tsa lekalana la borre ramapodise wa kgaolo Rre Michael Maphephu o ne a rotloetsa borre go tsaya boikarabelo. O kopile borre go nyala le go itebaganya le mokapelo a le mongwe, ka gore se se ka fokotsa kanamo ya mogare, le gore ba ithute go nna boikanyego. O ne a rotloetsa borre go godisa bana ba bone, le go emisa mokgwa wa go romela madi, a kaya fa seo se sa supe lorato e bile e se kgodiso e e siameng mo ngwaneng. A re mo kgaolong ya gagwe, ba tshwenngwa ke dipalo tsa petelelo tse di golang beke le beke. Rre Maphephu o kopile bomme emisa go rekelwa majalwa ke batho ba ba sa ba itseng le go amogela dimpho ka gore ke tsone di felelang di baka dipetelelo. health 6 Kgosi o ngongorega ka ditsela Kgosi Kooganne Modisapudi wa Moralane kwa kgaolong ya Shoshong a re ga a jesiwe diwelang ke seemo sa tsela ya Mosolotshane –Moralane. O buile se mo phuthegong e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo ya Shoshong, Rre Phillip Dikgang Makgalemele bosheng. Kgosi o boletse fa seemo sa tsela eo se sa ba itumedise gotlhelele. A re tsela eo e ba senyetsa dikoloi ka puso e tsaya sebaka go e gopa. Kgosi one a tswelela ka go kopa puso gore e leke go gopa tsela eo gangwe fela mo kgweding tse tharo go leka go tokafatsa seemo sa yone. Kgosi Modisapudi o ne a supa fa a ngogoregela kokelwana ya motse wa bone. O boletse fa kokelwana eo e butswe ka kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa 2010 mme e sena koloi go fitlha mo nakong e. O boletse fa go tlhoka koloi ga kokelwana eo go ba jesetsa mo lesweng ka batho ba motse ba latlhegelwa ke matshelo. O kaile fa bogodu ja leruo bo le bontsi fela thata mo motseng wa gagwe, a tlatsa ka gore magodu a utswa thata dihutshane . A re magodu ao, a rekisetsa ba LIMID dihutshane tseo mme o kopile ba sepodisi go tswa ka ditselana tsa go leka go thibela bogodu joo. E rile a lekodisa phuthego ka ditlhabololo tsa motse, moemedi wa VDC Rre Ofentse Badirile a akgolela puso go dira gore dipilisi tsa ARV di kgone go tsewa mo motseng wa bone. A re lantlha ba ne ba bolawa ke mosepele wa go di latela ko Shoshong mme jaanong malatsi ano go motlhofo ka di tsewa mo kokelwaneng ya Moralane. Fa araba ngogora ya ditsela, Rre Baraedi Nnanaakoko go tswa ko lephateng la ditsela a re o itse seemo sa tsela ya Moralane mme a bolela fa puso e leka ka gotlhe go tokafatsa seemo sa tsela eo. Rre Nnaanaakoko a re lephata la gagwe le tlhaelelwa ke dikoloi tsa megobagoba tse di dirisiwang go gopa tsela . O ne a solofetsa setshaba gore e tla a re kgwedi ya Tlhakole e le fa gare, tsela eo e bo e gopilwe go tokafatsa seemo sa yone. politics 7 Kereke ya Igama e ipelela dingwaga tse di lesome Kereke ya Igama Elisha Apostolic Church of God e ipeletse dingwaga tse some e le teng ka Matlhatso mo Maun. Fa a bua kwa moletlong oo, Bishop Mika Lenyatso wa kereke eo, a re go le gantsi e dira ditiro tsa bopelotlhogi e leka go thusana le puso ka ba itse fa puso e ka seke ya kgona e le esi. Kereke eo, e abela dikole, batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng le ba bangwe ka bane ba amogetse ka atla tsoo pedi boikuelo jwa puso go kopa dithuso mo setshabeng. O tlhalositse fa kereke e simologile ka 2007, mme ya kwadisiwa ka fa molaong ka 2008, mme e setse e na le makalana a le lesome le bone mo Botswana le kwa Zimbabwe. O lopile maloko a kereke go tswelela ba ntsha megopolo e e ka ba agang, e seng e e ba kgaoganyang le go tswelela ba mo gopola ka go bala mo go Joshua 14 temana 6-12. O tlhaloseditse baruti gore ba ka thusa puso ka go lwantsha borukutlhi, e seng ba fetoga dirukutlhi ka bobone, ka a re ba ka latlha setshaba ntle le go ba sokolola ba ba tshabisa bogale jo botlang. O tlhalositse fa ba lebagane le bothata jwa go tlhoka setsha se ba kerekelang mo go sone mo Maun, a re ba na le dingwaga ba ntse ba kopa mme go se nko e tswang lemina. A re bothata jo bongwe ke jwa dikomiti dingwe tse o fitlhelang go le gantsi di sa bereke sentle, a tlhalosa fa go sa direng sentle ga dikomiti tsa kereke go ka dia kgolo ya kereke, a ba a di kopa gore di tlhoafalele go dira ka natla, a re seo se ka dira gore kereke e aname lefatshe ka bophara. Bishop George Ntshwabi go tswa kwa Sefhophe o ne a kgothatsa Bishop Lenyatso go tswelela a tshwaragane le phuthego ya gagwe gore ba kopanele go anamisa lefoko la Modimo ka manontlhotlho, a tlatsa ka gore therisanyo ke selo sa botlhokwa. Moemedi wa dikereke tsa semoya wa pele, Rre John Moronga wa kereke ya Jordan Apostolic Church, a re dikereke di thubega letsatsi le letsatsi, dikgotlhang tsa malapa tse di bakwang ke baruti di ntsifetse le botlhoka kutlo jwa bana mo dikerekeng bo bontsi, a kopa baruti le boeteledipele jwa dikereke go ikgapha mo ditirong tsa mofuta oo. O kopile baruti le baporofiti go tswelela ba diragatsa neo e ba e neetsweng, a re dilo tsa go nna jalo di kgalemilwe mme go lebega di ntse di tsweletse pele, fela a tlhalosa fa puso yone e ba tshepha gore ke bone ba ba ka agang lefatshe e seng go le thuba. religion_and_belief 8 Borotho bo tlodisa Montsho melatswana Motswana a remokodue go tsosiwa o o itekang. Ka jalo bangwe banana ga ba a nna ka matsogo, ba ikemetse ka dinao go tlhabolola matshelo a bone. Go itsosa mo go supilwe ke Rre Moses Montsho yo e reng fa tshupa nako eitayaboraro makuku ene a bo a setse a thinkgetse a duba borotho jo a bo rekisang. Fa a bua mo potsolotsong, Rre Montsho a re ene ga a itebe dinala e bile ga a tlhaole ditiro ka go bo botshelo mo malatsing a gompieno bo le thata ntateng ya letlhoko la ditiro. A re e rile go lemoga se, a bona go le botoka go simolola kgwebo ya go apaya borotho gore le ene a kgone go itirela madi. Rre Montsho, yo o dingwaga tse di masome mabedi le bosupa, o kaile fa a simolotse kgwebo ya borotho ka madi a gagwe. O tlhalositse fa kgwebo ya go dira borotho e le nngwe ya tse di kgonang go dira madi a mantsi mo nakong e khutshwane ka borotho ke sejo se se jewang malatsi otlhe. O supile fa letlhoko la dikgwebo tse di dirang borotho mo Bobonong e le nngwe ya dilo tse di mo gwetlhileng go simolola go apaya borotho. Rre Montsho a re o dirisa dikgongga mmogo le dipitsana tse a di itiretseng go apaya borotho. A re o apaya mapakiwa a le makgolo mabedi go ya go makgolo a mararo ka letsatsi, a tlatsa ka go re borotho jwa gagwe bo rekwa jotlhe ka letsatsi. Lepakiwa le le lengwe le ja lesome. Rre Montsho a re selo se se dirang gore borotho jwa gagwe bo rekwe ka bonako ke gore bajibareki ba rata borotho jo bo bothitho gape ga ba rate malatsa. O tlhalositse fa bontsi jwa baagi ba kgotla ya Mabeleng mo Bobonong ba amogetse kgwebo ya gagwe ya borotho ka mabogo oo mabedi. Rre Montsho o supile fa kgwetlho kgolo e le dikgong ka a di tsaya kgakala. BOPA economy_business_and_finance 3 O atlholetswe go utswa mo tirong E rile ka Labotlhano (Ngwanatsele a le malatsi a mane), lekgotla la bosekisi la Setswana kwa Tonota la atlholela mosadi mongwe wa mmereki kwa sekoleng sa ithutelo tiro ya borutabana sa Tonota go kiba sebaka sa ngwaga mo kgolegelong morago ga go bonwa molato wa go gopela dithoto kwa a direlang teng. Go ya ka motsamaisi wa tsheko, Constable Mojaboswa Puoeng, e ne ya re mo kgweding e e fetileng e tlhola malatsi a le masome a mabedi le borobabongwe, Baalora Mogorosi a fitlhelwa ke badisa dikago tsa sekole sa Tonota College of Education ka dithoto tse go neng go belaesega e le tsa bogodu. A re e ne e le ka nako ya metsotso e e masome a mabedi morago ga oura ya borobabongwe mo mosong fa ba begelwa tiro ya go nna jalo. Mosekisi Constable Puoeng, o tlhalositse fa e ne ya re morago ga go begelwa kgang e ba e latedisa mme ka boammaaruri ga supagala fa mme yoo a ne a tsere dithoto tsa kwa a direlang teng e se ka fa molaong. O tlhalositse fa dithoto tseo di ne di akaretsa mashi a Long life a 500g a le masome a mabedi le botlhano, dithini tsa beef di le thataro, diapole di le thataro, mahura a tletse sekoo sa selekanyo sa 5 litres ga mmogo le nama e e sa apewang ya kgomo ya selekanyo sa 53kg. Dithoto tse di ne tsa supiwa fa pele ga lekgotla ka nako ya tsheko e le bosupi. E ne ya re fa mosekisiwa Mme Mogorosi a ema fa pele ga lekgotla le bosekisi a supa fa a ipona molato mo tshenyong e a e dirileng. Mme o ne a ipobola gore lekgotla le mo rekegele tsebe fa le ntsha katlholo ya molato wa gagwe ka jaana e le ene motlhokomedi wa bana ba gagwe ba a kaileng ba sa ntse ba le dingwaga tse di kwa tlase. E ne ya re pele ga Kgosi Goitsheka Hetanang a ntsha katlholo ya mosekisiwa a gatelela fa ope yo a thapilweng gope fela a ka dira molato wa go utswa fa a direlang teng a tshwanelwa ke go atlholelwa sebaka sa dingwaga tse supa mo kgolegelong. Mme le fa go ntse jalo Kgosi Hetanang o ne a tlhalosa fa lekgotla le rekegetse boipobolo jwa mosekisiwa le gone gore ke sa ntlha a dira molato. Ka jalo, Kgosi Hetanang a mo atlholela sebaka sa ngwaga mo kgolegelong, a bo a seegela fa thoko dikgwedi tse di lesome le bone mosekisiwa a sa dire molato ope wa sebopego se. Dithoto tsone di ne tsa busediwa kwa sekoleng sa Tonota College of Education. crime_law_and_justice 1 Sekolo sa Serorome se ipelela ngwao Mogolwane wa tsa ngwao kwa motlobong wa ditso kwa Serowe, Rre Skobinolo Lekhutlile a re puso e rotloetsa gore bana ba fiwe nako ya go rutwa ka ngwao mo dikoleng. O buile jalo kwa letsatsing la ngwao le le neng le tshwerwe kwa sekoleng se sebotlana sa Serorome kwa Palapye go ruta bana ka ngwao. A re Batswana ba itlhokomolositse ngwao ya bone, ba kgatlhegela dingwao tsa batho ba bangwe. Rre Lekhutlile a re puso e bone go tlhokafala gore bana ba direlwe letsatsi la ngwao ka gore ga go sa tlhole go dirwa dipe tsa ngwao kwa malwapeng. A re le fa e le yone puo tota ya Setswana bana ga ba e itse, ka gore go ganeletswe mo dilong tsa dingwao di sele. A re ngwao e sireletsa batho mo go direng dilo tse di ka ba tsenyang mo diphatseng ka meila. A re go setse go tumile gore Batswana ba bo ba nyatsa ngwao ya bone, ntswa ba mafatshe a mangwe bone ba eletsa dingwao tsa Batswana. A re nako e tsile ya gore Batswana ba dire dipatlisiso ka ngwao ya bone, e seng go tlolela mo dingwaong tse ba sa di itseng. Mogokgo Kgomotso Kgosiesele a re ngwao ke seikokotlelo sa Batswana, ka jalo ba ne ba bona gore mo sekoleng sa bone ba e tsosolose ka letsatsi la ngwao. Mme Kgosiesele a re ngwao e ruta motho boitshwaro jo bontle le maitseo, ka jalo go ka ba thusa gore bana ba nne le maitseo le gore ba gole sentle ba itsetsepetse ka setso sa bone O buile jalo kwa letsatsing la ngwao le le neng le tshwerwe kwa sekoleng se sebotlana sa Serorome kwa Palapye go ruta bana ka ngwao. A re Batswana ba itlhokomolositse ngwao ya bone, ba kgatlhegela dingwao tsa batho ba bangwe. Rre Lekhutlile a re puso e bone go tlhokafala gore bana ba direlwe letsatsi la ngwao ka gore ga go sa tlhole go dirwa dipe tsa ngwao kwa malwapeng. A re le fa e le yone puo tota ya Setswana bana ga ba e itse, ka gore go ganeletswe mo dilong tsa dingwao di sele. A re ngwao e sireletsa batho mo go direng dilo tse di ka ba tsenyang mo diphatseng ka meila. A re go setse go tumile gore Batswana ba bo ba nyatsa ngwao ya bone, ntswa ba mafatshe a mangwe bone ba eletsa dingwao tsa Batswana. A re nako e tsile ya gore Batswana ba dire dipatlisiso ka ngwao ya bone, e seng go tlolela mo dingwaong tse ba sa di itseng. Mogokgo Kgomotso Kgosiesele a re ngwao ke seikokotlelo sa Batswana, ka jalo ba ne ba bona gore mo sekoleng sa bone ba e tsosolose ka letsatsi la ngwao. Mme Kgosiesele a re ngwao e ruta motho boitshwaro jo bontle le maitseo, ka jalo go ka ba thusa gore bana ba nne le maitseo le gore ba gole sentle ba itsetsepetse ka setso sa bone O buile jalo kwa letsatsing la ngwao le le neng le tshwerwe kwa sekoleng se sebotlana sa Serorome kwa Palapye go ruta bana ka ngwao. A re Batswana ba itlhokomolositse ngwao ya bone, ba kgatlhegela dingwao tsa batho ba bangwe. Rre Lekhutlile a re puso e bone go tlhokafala gore bana ba direlwe letsatsi la ngwao ka gore ga go sa tlhole go dirwa dipe tsa ngwao kwa malwapeng. A re le fa e le yone puo tota ya Setswana bana ga ba e itse, ka gore go ganeletswe mo dilong tsa dingwao di sele. A re ngwao e sireletsa batho mo go direng dilo tse di ka ba tsenyang mo diphatseng ka meila. A re go setse go tumile gore Batswana ba bo ba nyatsa ngwao ya bone, ntswa ba mafatshe a mangwe bone ba eletsa dingwao tsa Batswana. A re nako e tsile ya gore Batswana ba dire dipatlisiso ka ngwao ya bone, e seng go tlolela mo dingwaong tse ba sa di itseng. Mogokgo Kgomotso Kgosiesele a re ngwao ke seikokotlelo sa Batswana, ka jalo ba ne ba bona gore mo sekoleng sa bone ba e tsosolose ka letsatsi la ngwao. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 SOS e tlhaelelwa ke madi Seemo sa kwelo tlase ya itsholelo se pateleditse legae la bana la SOS go tswala sekole sa bananyana ka ntlha ya go tlhoka madi a a se tsamaisang. Mafoko a, a boletswe ke mogolwane wa SOS, Rre Molefe Madikwe, fa a amogela baeng ba ba neng ba tsile go itumedisa bana ba motse o, ka letsatsi la tsogo ya Morena. Motse oo, o na le bana ba feta makgolo a mabedi, mme ba tsena dikole tsa puso. Rre Madikwe a re maikaelelo a bone ke go tlhokomela bana go fitlhela ba kgona go ikemela ka nosi. O tlhalositse fa ba alositse bana ba ba setseng ba bereka, mme ba ba sa kgonang dithuto ba batlelwa diphatlha mo dikoleng tsa ithutelo ditiro. A re bana ba, ba na le batsadi ba ba ba tlhokomelang, le fa ba sa tsoga ba robadiwa le bone kwa dikokelong. O ikuetse mo Batswaneng le mo dikhamphaning tse di ikemetseng ka nosi go ba tswa thuso, gore ba tle ba kgone maikaelelo a bone. Rre Madikwe o lebogetse ba lebentlele le Spar go tsenya letsogo go ba thusa, a bo a ikuela mo go botlhe ba ba nang le bokgoni go ba thusa. Mogolwane wa lebentlele leo, Rre Bobby Rushford, o ne a bolela fa ba rotloetsa SOS ka ntlha ya gore ba bona tiro e ntle e ba e dirang. Rre Rushford a re ba rata go thusa batho ba ba dirang tiro e e tsisang pharologanyo mo bathong. Mongwe wa barulaganyi ba letsatsi leo, Rre Fanilo Chidoda, wa Royal Business Magazine, o boletse fa ba ne ba kopantse boradikgwebo ka go farologana, gore bo thuse gore letsatsi le le atlege. Rre Chidoda a re ba ikaelela go thusa SOS ka dithuso tsa go baakanya fale le fale fa go senyegile, le go ba kopela dithuso mo dikhamphaning tse dingwe. Letsatsi le atlegile ka ntlha ya thuso ya dikhamphani tsa GSSMI, Motor Centre, KBL le lebentlele la Spar. Bokhutlo society 9 Masisi o kgothatsa magolegwa Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o kgothaditse magolegwa a bomme gore a seka a latlhegelwa ke tshepo ka jaana botshelo jwa bone bo sa felela mo kgolegelong. O buile jalo fa a etetse kgolegelo mo Gaborone bosheng. Dr Masisi a re bomme ba ka dirisa sebaka sa kwa kgolegelong go ithuta ka mananeo a ba ka a dirisang go itlhabolola. O ne a ba kgothatsa gore ka tshepo le tsholofelo ba tlaa boela kwa setshabeng e le batho ba ba ikanyegang mme ba amogelesege. Tautona o ne gape a lekola magolegwa a borre, mme le bone fela jalo a ba kgothatsa. O ne a ba gakolola gore ba itshware sentle le go nna le maitseo a nametsang. Dr Masisi o ne gape a ba netefaletsa gore puso ga ya ba lebala ka gore ba mo kgolegelong, mme a re ba dirise sebaka se go itharabologelwa le go ikaga. Mo go tse dingwe, Dr Masisi o boletse fa puso e itse ebile e lemoga seemo sa dikgolegelo. A re e lemoga gore dikago di dikgologolo ebile gape go mosuke mo dikgolegelong, mme a re puso ga e a nna moriti o tsididi ka kgang ya teng. E rile a leboga Tautona, modiri wa kgolegelo Mme Lesego Dijogadifele a re ba itumeletse leeto la ga Tautona ebile a tshepisa gore batla tswelela ba bereka ka bonatla, boikobo le boingotlo. society 9 Puso e itlamile go tokafatsa mohama wa temo-thuo Mothusa tona wa temo-thuo, Rre Kgotla Autlwetse, a re puso e leka ka thata go ema balemi nokeng gore ba kgone go ntsha dijo tse di le kaneng go jewa mo lefatsheng le go rekisiwa kwa ntle. Mothusa tona o ne a bua se fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Sefhophe. A re batho ba kgaolo ya SPEDU ba tshwanetse go emela temo ka dinao ka ba diretswe madirelo a marekisetso a tsa temo a Horticulture Processing Plant kwa Selebi Phikwe. Rre Autlwetse a re fa ba ka seka ba ntsha dijwalo tse di lekaneng go rekisiwa, se se tlaa dira gore madirelo a phutlhame mme se se paledise maiteko a go tsosolosa itsholelo ya toropo ya Selebi Phikwe le metse e e mabapi. Mothusa tona a re Batswana ga ba a tshwanela go baya fela mo thekisong ya ditswa mmung ka go supafetse fa mo nakong ya gompieno tlhwatlhwa ya tsone e wetse tlase. O tsweletse a re puso e ntshitse madi go rotloetsa balemi go lema ka ditselana ka go dira jalo go ka ntsha thobo e e nametsang go na le go lema ka go gasa mme a re go sa ntse go na le balemi ba ba sa ntseng ba saletse kwa morago. Rre Autlwetse a re temo e tlhoka lorato, bonatla le bopelotelele, a re puso e senyegelwa ke madi a mantsi mo go tsoseng terata e e kganelang motsamao wa leruo mme seo se paledisiwe ke batho ba ba tsweletseng ka go e senya. Mothusa tona Rre Autlwetse a re Batswana ba tshwanetse go tsaya boikarabelo ja go tlhokomela leruo la bone bogolo jang ba meraka e e gaufi le melelwane ya lefatshe la Zimbabwe go lwantsha bolwetse ja tlhako le molomo. O tsweletse a re leruo la Botswana ga le tloletse ka kwa lefatsheng la Zimbabwe le a bolawa mme molemi a phimolwe dikeledi ka madi a a kana ka makgolo a supa. Rre Autltwetse a re puso e tsere tshwetso ya go neela barui ba kgaolo ya Zone 7 manyena a dikgomo mahala ba bo ba a itsenyetsa. Rre Autwetse a re ditlhwatlhwa tsa go rekisa kwa matlhabelong di sa ntse di le botoka mme a kgothaditse barui ba ba nang le dikgomo go di rekisa go fokotsa ditshenyegelo tsa go tla go le jesa ka go lebega leuba le sa ntse le tlaa tswelela. Mopalamente wa Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila a re motho mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela dilo tsotlhe tse a di neetsweng ke puso tsa nyeletso lehuma. Rre Mzwinila a re fa go senang tlhokomelo teng ga go supe gore motho wa go nna jalo a na le letlhoko mme ba tshwanetse go thusana le puso go lwantsha lehuma. economy_business_and_finance 3 Magosi le baruti ba kopiwa go thusa go thibela COVID-19 Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere o kopile ba bogosi go ema puso nokeng mo go phatlalatseng molaetsa wa thibelo kanamo ya mogare wa COVID-19. Fa a buisa magosi kwa kgotleng kgolo ya Mahalapye ka Laboraro, Rre Tshere o tlhalositse fa go le botlhokwa gore morafe o nne le kitso e e tlhamaletseng ka dikai le thibelo kanamo ya COVID-19 gore ba kgone ba iphemele mo mogareng oo. A re setshaba se tshwanetse gape sa rotloediwa go ipabalela ka go sala morago ditaelo le dikitsiso tsotlhe le gone go itekodisa ba botsogo fa ba na le dikai tse di tsamaelanang le tsa mogare oo. “Re tshwanetse go nna malala a laotswe ka gore ga re eletse gore lefatshe la rona le goroge mo seemong se mafatshe a mangwe a iphitlhelang mo go sone. Ke sone se puso e tshwaraganeng le go rutuntsha setshaba ka go thibela kanamo ya bolwetsi joo,” ga tlatsa Rre Tshere. Le ntswa mo nakong ya gompieno go sena molwetsi ope wa COVID-19 mo Botswana, Rre Tshere a re seo ga se reye gore go ka tlhajwa kgobe ka mmutlwa ka gore go ka tloga ga nna bonolo gore mogare oo, o goroge mo lefatsheng, mme wa tloga wa anama mo go senang taolo. Ka jalo, o ne a gwetlha ba bogosi, baruti ga mmogo le morafe go netefatsa gore ba ema puso nokeng mo go anamiseng molaetsa wa thibelo le itshireletso. A re mo nakong ya gompieno, go diphatsa gore batho ba ikgatholose ditaelo le dikgakololo tsa ba botsogo, a gatelela gore ga se boammaaruri gore mogare wa corona ga o kake wa tsena bana kgotsa batho bantsho. Rre Tshere o ne gape a etela kokelo ya Moko go ya go bona fa ba ba ka tsenwang ke mogare ba tlaa alafelwang teng. Moeteledipele wa tsa botsogo wa kgaolo-potlana ya Mahalapye, Dr Maxwell Mungisi o tlhalositse fa dikai tsa COVID-19 di akaretsa mogote o o kwa godimo, go gotlhola, go hema ka bothata le go opiwa ke tlhogo. Dikai tse, a re di ratile go tshwana le tsa mhikela, ka jalo a gatelela botlhokwa jwa gore motho yo o nang le dikai tseo a ikgolaganye le ba botsogo ka bonako, mme ba seka ba re ba ikisa kwa kokelong. A re go dira jalo go ka tloga ga anamisa mogare, mme a gatelela gore ope fela yo o nang le dikai tse di tsamaelanang le tsa corona, a leletse ba thuso ya potlako. Mo godimo ga moo, o gakolotse batho gore ba seka ba nna ka letshogo fa ba ka bona ba na le dikai tsa go nna jalo, a re ba botsogo ke bone fela ba ba ka ba tlhatlhobang ba bo ba ba netefaletsa fa ba na le mogare wa corona. Go leka go iphemela mo go tsenweng ke mogare oo, a re go botlhokwa gore batho ba tswelele ka go tlhapa diatla ka metsi a a phepa le molora, go ithiba molomo a ba gotlhola le go phepafatsa tikologo ya bone kwa ditirong le kwa malapeng. O ne a tlatsa gape ka botlhokwa jwa go fokotsa metsamao e e sa tlhokafaleng, bogolo jang ya go tlola melelwane. health 6 Radisele o itumelela ditlhabololo Banni ba Radisele mo kgaolong ya botlhophi ya Serowe Borwa, ba iteetse mmuso legofi ka ditlhabololo tse di dirwang mo motsing wa bone ka lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP mo ngwageng wa madi wa 2016/17. Ba supile boitumelo jo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mokhanselara wa kgaolwana eo, Rre Kgosiemang Monare. Ba re le ntswa ba tshelela mo leshekereng la tlhaelo ya metsi mo e bileng ba palelwa ke go dirisa mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone, ba lebogela ditiro tse di tlaa dirwang mo motsing wa bone jaaka go shafatsa matlo a boroko jwa baithuti le barutabana mo sekoleng se segolwane le go tshelwa ga tsela ya Pilikwe/Radisele sekontere. Rre Monare a re ditiro dingwe tse di tlaa dirwang ke go atolosiwa ga kokelwana ya Radisele mo ngwageng wa madi wa 2017/18. A re le ntswa e le keletso ya mmuso go isa ditlamelo kwa bathong, sebe sa phiri ke tlhaelo ya madi e e bakilweng ke kwelo tlase ya itsholelo ya mafatshe e e neng ya pateletsa mmuso go seegela ditiro dingwe kwa thoko. Mabapi le tlhaelo ya metsi, mokhanselara o tlhalositse fa mogolwane wa khamphane e e thapilweng go aga madirelo a a tlhatswang letswai kwa didibeng tsa Bikwe a solofeditse fa tiro eo e tlaa wela kgwedi ya Lwetse e ya fifing monongwaga. Mo phuthegong eo, batho ba ne ba farologana ka megopolo fa bangwe ba ne ba kopa gore morafe o ntshe madi a tlaa dirisiwang go reka kgomo e e tlaa phekolang sediba sa motse wa bone se go bolelwang se senyega kgapetsa-kgapetsa ntateng ya go ngongorega ga badimo ba ba nnang mo thabeng e sediba seo se epilweng mo go yone. Le fa bontsi jwa batho bo ne bo dumelana le mogopolo wa go phekolwa ga sediba, Kgosi Kakanyo Botoka wa Radisele o tlhalositse mo puisananong fa a sa itse sepe ka kgang eo ka jaana a ise a rerisiwe e bile a sa dumele mo ditirong tsa sedimo. Bokhutlo politics 7 Ba amogela molelo wa kgolagano Fa Tautona wa lefatshe leno a simolodisa semmuso molelo wa kgolagano, go a bonala bontsi jwa Batswana ba ne ba emetse kgorogo ya one mo metseng ya bone ka go farologana ka mabetwaepelo. Kwa metseng ya kgaolo ya Lerala/Maunatlala go ne go leba yo o sebete go sena motse o o neng a batla go gaisiwa. Pele ga molelo wa kgolagano o goroga mo motseng wa bone, banni ba ne ba baakanya ka botlalo bogolo jang ba dirisa mebala ya folaga ya lefatshe leno go penta kana go tshasa mo mafelong ka go farologana. Se se neng se kgatlhisa ke gore, le fa mongwe wa lefatshe le sele a ka tsena ka kgoro ya mongwe wa metse eo, o ne a kgatlhantshiwa ke mmala wa folaga ya lefatshe leno o o nang le botala jwa loapi, bosweu le bontsho mme mebala ya teng o ka e bona mo dikagong tsa mapalamelo a dibese kana mo thoko ga tsela go fitlhelela o tsena kwa kgotleng kwa le gone go neng go kgatlhisa ka mebala eo. Bontsi jwa banni mo metseng eo, ba ne ba bonala ba sa bolo go ipaakanyetsa kgorogo ya molelo wa kgolagano ka ba ne ba apere mebala ya folaga ya lefatshe leno le bana ba dikole ba bonala mo mebileng ba tshwere difolaga tsa lefatshe leno. Dipina tsone go tswa mo dikhwaereng ka go farologana le maboko di ne di remeletse mo go bueng ka kgolagano ya lefatshe leno le se molelo wa kgolagano o tlaa se dirang. Se se neng se kgatlhisa ke gore banni ba kgaolo ya Lerala/ Maunatlala le bone fela jaaka Tautona wa lefatshe leno ba dumela fa molelo wa kgolagano o tsile go ba bopaganya, o ba fa kutlwano, masego le lone lorato le Batswana ba tshelang ka lone. Dibui ka go farologana mo metseng ka go farologana bogolo jang dikgosi fa ba amogela molelo wa kgolagano ba ne ba lebogela Tautona wa lefatshe leno go bona go tshwanela gore a tshwaraganye Batswana. Ba re molelo wa kgolagano ke lesedi ka gore fa go nang le lesedi teng go nna le botshelo. Ba re metse ya bone e segofaditswe ka molelo wa kgolagano o fetile mo go yone. Rre Gabagomotse Mafoko wa motse wa Mokokwana o ne a re Batswana ba tshwanetse ba ipotse gore go tsile jang gore ba bo ba le fa ba leng teng. A re lefatshe leno le nnile sego ka dikgosi tse tharo tse di neng tsa ya go le kopela boipuso mme le mo nakong eno ga le ise le itemogele dintwa. Kgosi Mhaladi Mhaladi wa boraro wa Seolwane o ne a re molelo wa kgolagano o tshuba tsotlhe tse di maswe mme o tsisa tse dintle mo motseng wa gagwe fa Kgosi Gomolemo Molebatsi wa Majwaneng ene a re molelo wa kgolagano o supa puso ya batho ka batho e bile o kopanya merafe kana metse gore e tshwaragane. BOKHUTLO politics 7 Balemi ba reketswe engene Mongwe wa bagolwane ba pele ba sesole sa Botswana, Brigadier Iphemele Kgokgothwane, o abetse balemi barui ba masimo a Makoro le Madiaela mo kgaolong ya Legare engene e ba tla e dirisang mo sedibeng se se ntseng se tswetswe fa e sale khansele e rolela koporase ya Water Utilities tsamaiso ya go siela batho ba magae le ditoropo metsi ka 2010. Brigadier Kgokgothwane o boletse mo phuthegong e e neng e tshwaretswe kwa Madiaela bosheng, gore batho ba masimo ao ba ne ba sokola ka ba a nwa metsi a megobe, jalo a bona go tshwanela go ba thusa ka engene ya tlhwatlhwa ya P57 000 gore ba kgone go nwa metsi a a phepa ba bo ba siele le leruo la bone. O kopile balemi barui ba masimo a Makoro, Madiaela, Ramherwana, Lemone, Bikwe le ba motse wa Radisele go tshwaraganela sediba seo ka go thusana go reka leokwane le go thusa ka madi a go se baakanya. A re go mo maruding a bone go tlhopha komiti e e tla tsamaisang sediba seo go itsa dikgogakgogano. Mongwe wa batho ba ba thusitseng ka madi a go tsosolosa sediba seo ke mopalamente wa kgaolo ya Serowe Borwa, Dr Pelonomi Venson-Moitoi yo a neng a ba abela P5 400. Mokhanselara wa kgaolwana ya Radisele, Rre Michael Motshedi o lebogetse Brigadier Kgokgothwane le Dr Venson-Moitoi go ema batlhophi ba kgaolwana ya gagwe nokeng ka go ba thusa ka engine ya sediba ka jaana ba ntse ba dirisa metsi a megobe fa e sale badiri ba khansele le ba koporase ya Water Utilities ba emisa go ba siela metsi ka 2010. E re ntswa khansele ya Legare e ne e siela batho ba masimo ao metsi, go ne ga fetoga fa koporase ya Water Utilities e neelwa taolo ya go siela batho ba magae le ditoropo metsi ka ba re batho ba masimo a Makoro le Madiaela ba mo lefelong le le sa bewang ka fa molaong ke ba kabo ditsha go nna motse o o rurifaditsweng. E rile ba tswa la bone, ba galaletsa Rre Kgokgothwane le Dr Venson-Moitoi go nna le mowa wa kutlwelo-botlhoko ka go ba gokelela sediba se ba tla nwang mo go sone boemong jwa go nwa metsi a megobe a ba tlhalositseng fa a le borai mo matshelong a bone ka jaana a ka ba bakela bolwetse jwa letshololo. BOKHUTLO health 6 Ofisi ya banana e tlhalosa lenaneo la YDF Mme Boifang Mogomotsi wa ofisi ya banana mo Mochudi o tlhalositse fa ba le mo letsholong la go ikopanya le go rutuntsha banana ka lenaneno la Youth Develoment Fund (YDF) le go ba thusa ka tsamaiso ya boikopedi. Mme Mogomotsi o buile se fa a buisa banana ba kgotla ya Mabodisa bosheng mo Mochudi kwa a neng a tlhalosa fa ofisi ya gagwe e tlaa bo e simolola go tsaya difomo tsa boikopedi jwa go thusiwa ka madi go simolola Motsheganong a tlhola malatsi a mabedi. O ne a gwetlha banana go nna pelotelele fa ba tsenya dikopo, a tlatsa ka go re go botlhokwa go reetsa dikgakololo le megopolo ya badiri ba lephata la banana. A re go dira jalo go ba tlhofofaletsa tiro le go tla ka megopolo e e nonofetseng go ka simolola le go godisa dikgwebo tse di ka isang baikopedi kgakala. A re banana ba tswe ka megopolo e e farologaneng le go tsenya dikopo tsa dikgwebo tse di sa tshwaneng. O ne a re mo kgaolong ya Kgatleng, banana ba tumile ka go tsaya lenaneo la dihutshane le dikgomo, selo se a rileng e ka nna kgwetlho mo isagong ya dikgwebo tsa bone. Mme Mogomotsi o ne a tshwaela fa lenaneo la YDF le thusa gape banana ba ba eletsang go godisa dikgwebo tsa bone, le banana ba ba sa berekeng gotlhelele, kana ba ba amogelang madi a a kwa tlase ga P2 500 mme a re bao ba tlamega go tlogela tiro fa ba sena go simolola dikgwebo. A re banana ba ba berekang tirelo setshaba le Ipelegeneg le bone ba ka tsaya lenaneo gammogo le banana ba ba sa tseneng sekole gotlhelele. O ne gape a gatelela fa lenaneo e le la Batswana fela. A re ga le a tshwanelwa go tshwaraganelwa le batswakwa. A re banana ba ba tsayang dithuso tsa YDF e le ditlhopha ba emise go dirisa ba bangwe ba sa itse sepe ka kgwebo ka jaana ba ba tsenya mo molatong. “Banana ba bangwe ba na le go ipopa ditlhopha ba dirisa maina a bontsalae a sa ba tlhalosetsa ka botlalo mme e re kwa morago ba seke ba buse madi, selo seo ke go golega ba bangwe e bile go tshwanetse go ema. Ikopanyeng le balekane ba lona e le batho ba ba nang le dikitso tse di farologaneng o seka wa tlatsa palo fela ka losika,” Mme Mogomotsi a tlhalosa. O ne a tlhalosa fa ba simolola go thusa banana ba ditlhopha ka P500 go fitlha ka P450 000 fa monana yo o esi mo kgwebong ene a ka thusiwa ka P500 go tsena P100 000. O ne a gwetlha banana go ikopanya le ba LEA ba a rileng ba bereka le bone gape e le lekalana le le itebagantseng le go thusa bagwebi ba babotlana ka go ba tlhatlhelela le gone go tlatsa difomo tsa ikopelo. “Re itemogetse gore monana fa o mmusa o re a ye go baakanya o a ngala mme kana fa re go busa re a bo re sa re o paletswe. Seo se raya gore o ye go baakanya fa re tshwaileng diphoso teng; re boa gape re go fa mabaka a gore ke eng o sa atlega. Seo se raya gore o le monana o tsee maikarabelo a go boela kwa go rona kana o ikopanye le makalana a a ka go thusang gore o felele o atlegile.” O ne gape a gwetlha banana go netefatsa gore ba busa sephatlo sa madi a ba thusiwang ka one, a tshwaela fa ba itemogela kgwetlho e tona ya banana ba ba sa buseng madi ao. A re monana o simolola go busa madi so simolola ka kgwedi ya borataro go filtha kwa go tse di masome mararo le borataro go lebilwe dipoelo tsa dikgwebo ka go farologana. A re le fa kgwebo e ka wa kana ya seka ya atlega monana o tlamega go busa sephatlo sa madi a YDF ka a dirisiwa go thusa banana ba bangwe. Mme Mogomotsi o ne gape a tlhalosa fa difomoo mo Kgatleng di tsewa kwa Mmathubudukwane, Artesia le Mochudi, gape a gakolola banana go dira dikgwebo tse ba itseng gore ba tlaa di kgona. E rile a araba potso e e neng e bodiwa ke Mme Dorcus Rakgati ya go tlhoka lefatshe, Mme Mogomotsi a tlhalosa fa banana ba ka adima lefatshe kana ba batla lefatshe mme morago ba tsenye kopo ya lefatshe leo kwa go ba kabo ditsha. O ne a re lefatshe le le itshenketsweng ke monana le ka tlhomamisiwa le go bewa semmuso mo dibekeng tse tharo. Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosetsa banana fa lefatshe la go nna jalo le sa rekisiwe. E rile a tswa a gagwe, mokhanselara wa kgaolo, Rre Fisher Palai a lebogela maiteko a go isa molaetsa le dithuto kwa bananeng ga ofisi ya bonana mo motseng. Rre Palai o ne gape a rotloetsa banana go ipopa ditlhopha a re nako e sale teng gore banana ba simolole ba itshwaraganye le ba ba maleba go baakanyetsa go tsenya dikopo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Beng ba diterekere ba seopo sengwe Beng ba diterekere tse di dirisiwang go lemela batho kwa kgaolong ya selemisi ya Mahalapye le Shoshong ba dumalane go tlhama lekgotla. Maikaelelo a lekgotla le ke go tokafatsa seemo sa temo ka go dirisa lenaneo le le tlhabolotsweng la ISPAAD. Tumalano e, e dirilwe mo phuthegong e e neng e kopanetswe ke ba lephata la selemisi le beng ba diterekere ba dikgaolo tsa Radisele, Bonwapitse, Kodibeleng, Mmaphashalala, Mahalapye, Setsile, Taupye, Gwape, Modiane le Malepe. Modulasetilo wa lekgotla leo, Rre Sekgome Sekgome, o tlhalositse morago ga ditlhopho fa maikaelelo a lone e le go sireletsa dikeletso tsa beng ba diterekere le go thusana dikgwetlho tse ba kopanang natso jaaka go tlhatloga ga ditlhwatlhwa tsa lookwane le didirisiwa tsa temo. Rre Sekgome a re mo malatsing a makhutshwane, komiti ya gagwe e tlaa itebaganya le go sekaseka go kwala molao-mothao le go nnela diphuthego le maloko go ba lekodisa ka ditsamaiso tsa lekgotla la bone le go ngokela maloko a masha mo lekgotleng. Mogolwane wa balemisi wa kgaolo ya Mahalapye, Rre Akanyang Monyake, o lebogetse beng ba diterekere go simolola lekgotla le ka lone ba ka kgonang go isa dingongorego tsa bone kwa pusong ka lentswe le le lengwe le go adima madi mo dipolokelong go reka didirisiwa tsa temo. Bokhutlo society 9 LEA e rotloetsa bagwebi ba ba botlana Ba lekalana la Local Enterprise Authority (LEA) kwa Serowe le Selebi Phikwe e rile bosheng ba tshwara letsatsi la mmaraka kwa Palapye go rotloetsa dikgwebo tse di potlana. Fa a bula letsatsi leo semmuso, mookamedi wa lekalana la LEA kwa Serowe, Mme Kgomotso Bogatsu o kopile setshaba go rotloetsa dikgwebo tse di potlana ka go reka dithoto tse ba di dirang. A re dikgwebo tse di potlana di ka gola fela fa setshaba se eme dikgwebo tsa go nna jalo nokeng. A re lefatshe leno le ikaelela go aga setshaba se se tsweletseng, se se itirelelang dithoto tsa sone eseng go baya fela mo go rekeng dithoto kwa mafatsheng a mangwe. A re se se ka kgonega fela fa dikgwebo tse di potlana di ka rotloediwa ga mmogo le go fiwa kemo-nokeng. A re LEA e dirile letsatsi la mmaraka gore dikgwebo tse di potlana tse di farologaneng di tle go supa dithoto tsa tsone gore bareki ba itse ka dithoto tse le gore ba ka di bona kae. A re letsatsi le gape le thusa go gokaganya bagwebi ba ba botlana le bagwebi ba ba golwane ba ba setseng ba itshetletse mo go tsa kgwebo gore ba neelane maele a gore le bone dikgwebo tsa bone di gole go fitlhelela di nna mo seemong se le sengwe le tse di kgolwane. Fa a tswa la gagwe molaodi wa Palapye, Mme Veronica Rabakane o ne a re dikgwebo tse di potlana di ka thusa go lwantsha lehuma mo lefatsheng leno. A re se se ka thusa lefatshe leno go dira dijo tse di lekaneng setshaba ebile dingwe di ka rekisiwa kwa ntle. O rotloeditse bomme go inaakanya le mananeo a a ba thusang go itshimololela dikgwebo. A re bomme ba lebaganwe ke dikgwetlho tse dintsi, bogolo jang kgwetlho ya go godisa bana, a tlhalosa fa ba kgona tse dintsi ka go nna le dikgwebo. O rotloeditse bagwebi ba ba botlana go tsaya dthuto tse ba di fiwang ke ba LEA ka tlhwaafalo gore dikgwebo tsa bone di kgone di gole. A re go botlhokwa gore ba dirise dithuto tse ba di tlhatlhelelwang ke ba LEA go tlhabolola mokgwa wa ka fa ba tsamaisang dikgwebo ka teng. Ba LEA ba ne ba dirisa letsatsi le go isa ditirelo tsa bone kwa setshabeng, e le ntlha nngwe ya go isa ditlamelo gaufi le batho. economy_business_and_finance 3 Puso e epa didiba go nosa diphologolo Mogolwane mo lephateng la diphologo kwa Tutume, Mme Ketimeletswe Mondiya a re puso e epile didiba kwa Ngwasha go nosa diphologolo tsa naga. Mme Mondiya o boletse jaana kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Nkange, Rre Never Tshabang kwa Goshwe le Magapatona kwa Tutume bosheng. A re seo ke mangwe a maiteko a go laola metsamao ya diphologolo gore di tswe fa gare ga batho. O boletse fa gape go rekilwe dikoloi tsa metsi di le pedi tse le tsone di tlaa thusang go nosa diphologolo tseo. A re puso e buletse letsomo, ka jalo go na le kgonagalo ya gore diphologolo di tshabele kwa mafelong a tsone a gale. Mme Mondiya a re gape mo maitekong a puso go araba selelo sa batho ba kgaolo eo, go ne ga tlhongwa kampa kwa Nkange ya badiri ba lephata la diphologolo ba le lesome le bone. Kwa Goshwe banni ba ne ba ngongorega ka tiego ya tsela, ba bolela fa ba sale ba tshepisitswe go dirwa ga tsela e e tlaa agwang ka ditena mme nako kgolo ke eno. Kgosi yo o tlogetseng tiro ka bogodi wa Goshwe, Kgosi Buyendasi Mbenga o ne a kopa banni ba motse oo go leta ka tsholofelo ka tsela eo e mo thulaganyong ya go dirwa. Kgosi Mbenga a re bakanoki ba tsela eo ba puso ba boletse pele gore tsela eo e feta fa gare ga masimo, ka jalo go e tshela sekontere go ka tsaya nako ka go tlaa batla dipuisanyo le ba ba amegang le go ba phimola keledi, ka jalo go e phaphatha ka ditena go motlhofo e bile go tlaa tsaya nako e khutshwane. Kwa Magapatona banni ba ne ba lela ka metsi a a letswai a ba a anwang, ba re gape motse o fetogile makadiba ka diphaephe tse di dutlang gongwe le gongwe. Mongwe wa banni, Rre Nduo Tshwenyego a re ba sale ba ikuela ka ditlou tse di ba senyetsang kwa didibeng tse ba nosang kwa go tsone mme a re ga go na thuso epe e ba e bonang e bile ditlou tseo di setse di tsetse jaanong ke moraka fela. Rre Tshwenyego o ne a bolela fa metsi a le letswai le le setseng le ba senyeditse didirisiwa gape metsi a teng a nna ka go tlhaela. Fa a tsibogela kgang ya metsi, mogolwane kwa lephateng la metsi kwa Tutume, Rre Batshepi Dilo o boletse fa diphaephe di setse di onetse, ka jalo ba le mo thulaganyong ya go tsenya tse di sha. Rre Dilo o ne a ikuela mo bathong go tlogela mokgwa wa go senya diphaephe ba nosa leruo, a re seo se paledisa maiteko a bone a go siela batho metsi. O boletse fa nako dingwe letswai le thiba metsi go ka phatlalala le motse, bogolo jang mo kgotleng ya Magapatona. Mopalamente Rre Tshabang o boleletse phuthego fa maikaelelo a diphuthego tsa gagwe e le go lekola kgaolo le go itsanye ka e le lantlha gape a le mosha mo kgaolong le go tsaya dikopo mo go bone go di isa kwa palamenteng e e tlang. A re mangwe a matshwenyego ba tlaa nna ba a tshwaraganela le banni, badirelapuso le bogogi jwa motse ka wa o esi ga o ele. society 9 Tlhokomelo ya bana e ba rotloetsa go ntsha ga tshwene Mme Tebogo Lebang wa kokelo ya Sekgoma Memorial kwa Serowe a re dikokelo tsa Botswana di tlhaelelwa ke madi a mmele. O buile jaana ka Matlhatso fa balatedi ba ditlhopha tsa kgwele ya dinao ba Township Rollers, Miscellaneous, Notwane le Mochudi Centre Chiefs ba kopane kwa Serowe go aba madi a mmele. Mme Lebang o lebogetse batsamaisi ba ditlhopha go kokoanya balatedi ba ditlhopha go aba madi a mmele a bo a ba kopa go tswelela ba dira jalo ka gore ntle le one, botshelo ga bo yo. A re bontsi bo tlhoka madi mme a a tlhaela. O supile fa ba beetswe seelo sa gore ba bo ba na le dipaente tsa madi di le 45 000 mo mabolokelong ka ngwaga, mme a re seo ga se kgonege ka gore Batswana ga ba abe madi a mmele. A re ka 2015 go ne ga nna botoka ba bona dipaente di le 27 000. Mme Lebang a re fa molwetse a tlhoka madi, fa a seyo ga gona botshelo e bile ga gona se se ka dirisiwang boemong jwa one. A re motho yo o nnang a aba madi, ga a tshabelelwe ke malwetse a atshwanang le kankere gape o nna a itekanetse ka nako tsotlhe mme gape a thusa thata bomme ka nako ya pelegi le ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela. Morulaganyi wa letsatsi go tswa kwa setlhopheng sa Gaborone United, Rre Tshepo Watlala o tlhalositse fa moono wa letsatsi e le go tsibogela boikuelo jwa dikokelo le go tsosolosa botsala fa gare ga balatedi ba ditlhopha ka go farologana mo Serowe. A re e le balatedi ba ditlhopha, ba tshwanetse go emana nokeng le go etleetsa ditlhopha tse dingwe fa di tshameka ba tlogele go kubetsana. Rre Watlala o tlhalositse fa tiro e, e tlaa nna ya ngwaga le ngwaga go leka go boloka matshelo. Mongwe wa banana ba ba abang madi go tswa kwa Pledge 25 Club, Rre Leatile Baiphetlhi a re maloko ga a gakololwe go aba madi, ba setse ba itse gore morago ga lebaka le le rileng ba tshwanetse go aba. education 4 Matlotla a rotloetsa borukutlhi Kgosana ya kgotla ya Konyana kwa Mahalapye, Rre Nelson Dipatane, a re ga a jesiwe diwelang ke matlotla a a fa gare ga motse. Fa a bua mo potsolosong bosheng, Rre Dipatane o tlhalositse fa matlotla a a fa gare ga motse a dirisiwa ke dilalome go iphitlha mo go one bosigo gore ba kgone go amoga setshaba ditsabone fa ba feta gaufi le matlotla ao. Kgosana Dipatane o tlhalositse fa matlotla a oka kgotlelesego ya tikologo ka gore batho ba felela ba thapologela mo go one ka ntlha ya tlhaelo ya matlwana a boitiketso a setshaba kana ka ntlha ya gore batho ba a bo ba sena madi a go duelela go dirisa matlwana a boitiketso. O kaile fa mokgwa wa go thapologela mo matlotleng o atile thata mo kgotleng ya gagwe ka gore o gaufi le toropo. O boletse fa a ise a utlwe gotwe mongwe o kile a tseelwa dikgato ke ba molao morago ga go fitlhelwa a ithusa mo matlotleng. O tlhalositse fa ba tle ba bue ka mathata a ba a tsisediwang ke matlotla a a fa gare ga motse e le bogosi jwa Mahalapye mme go fitlha gompieno ga ba ise ba tseye tshwetso ya gore go diriwe eng ka matlotla ao. Le fa gontse jalo Kgosana Dipatane o tlhalositse fa a ise a ikopanye le ba botsogo go ba tsibosa ka kgotlelesego ya tikologo e e diragalang mo kgotleng ya gagwe. O boletse fa a na le maikaelelo a go ikopanya le beng ba matlotla a a fa gare ga motse go batla tharabololo ya seemo sa kgotlelesego ya tikologo le dilalome tse di iphitlhang mo matlotleng bosigo di emetse go amoga setshaba ditsa bone. crime_law_and_justice 1 Ba Polka ba a ipaakanya Go ne go sha logong go sala molora kwa Tsabong jaaka ditlhopha tsa mmino wa Polka di le lesome le bosupa di ne di iteisana borathana mo go ipaakanyetseng dikgaisano tsa malatsi a ga tautona. Ditlhopha di le lesome le bosupa di ne di iteisana borathana di ipaakanyetsa makgaola kgang a ai tlang ka malatsi a ga tautona. Setlhopha sa Gareng ga Dithota sa Khawa se ne sa ikgapela maemo a ntlha, sa lomiwa serota ke sa Trek e Ding sa Vaalhoek, maemo a boraro a gapiwa ke ba Speel ga Nog go tswa kwa Bokspits fa maemo a bone a tserwe ke ba Kalahari Dancers go tswa kwa Struizendam. Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo, molomaganya ditiro tsa lephata la banana, metshameko le ngwao mo Kgalagadi, Mme Malebogo Mosala o ne a tlhlaosa fa dikgaisano tseo di diragala ngwaga le ngwaga . Mme Mosala o ne a tswelela ka go tlhalosa fa mmino wa Polka e le mmino oo simologileng go tsena dikgaisano tsa malatsi a ga tautona go simologa ka ngwaga 2011 ka ditlhopha di le nne fela mo kgaolong ya Kgalagadi. O ne a kaya fa mo ngwageng ono mmino oo,o godile ka o setse oname le lefatshe leno. O supile fa ditlhopha tse di neng di iteisana borathana di le lesome le bosupa mo ngwageng ono. A re e re ntswa mmino wa Polka e le mmino oo ikadileng mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa , dikgaolo tse dingwe di ne tsa kgatlhegela go ithuta mmino oo. Dikgaolo tse di akaretsa Kgalagadi Bokone, Ngwaketse, Ngwato, Ghanzi, Legare, Letlhakane le Maun. O kaile fa maikaelelo magolo a dkgaisano tse e le go itsaane, go tsosolosa le go somarela ngwao mo merafeng ee farologanyeng mo lefatsheng leno, ngwao e tshwana le kapari, mmino teme le tse dingwe. Mme mosala o ne a supa gape gore dikgaisano ka ntlha ya thotloetso ya boeteledipele jwa lefatshe leno bo dirile phetogo e ntsi thata mo bananeng ka ba sa tlhole ba gobea mo mebileng jaaka pele. O boletse fa dilo makwati di kotobotswa mo go babangwe mme a gakolola diitlhopha go tlhoka go kgala bangwe mme segolo ba emane nokeng ka go kopa mo go ba bangwe le go ithuta mo go bone ka seo se ka thusa thata mo go tlhabolololeng mmino wa bone. Rre Keith Bafenyi mongwe wa leloko la Ngwao loshalaba Association o ne a tlhalosetsa ditlhopha ka bomoosola jwa go ikwadisa mo mokgatlho oo. A kaya fa seo seka thusa thata mo ditlhopha go bua ka lentswe le le lengwe, nngwe ya ditiro tse ba di dirang o kaile fa e le go godisa, go ruthuntsha le go tlhabolola ditlhopha tse di farologanyeng. O ne a kgothatsa thata ditlhopha gore mo nakong ee tlang ba godise dtlhopha tsa bone tsa polka ka go dira maitiso ka seo se ka thusa thata mo go kokoanyetseng ditlhopha tseo madi ba sa gaisane mme gape le tsela nngwe ya gore ba itsane ,go ithekisa le go go godisa serudumo sa mmino oo. A tlatsa ka go ba kopa go nna le mowa wa lorato le neelano le gone go amogela maduo jaaka a ntse. Fa a ntsha lefoko la kgothatso mothusa mokwaledi mo ofising ya ga tautona Rre Mogomotsi Kaboeamodimo o ne a tlhalosa fa badiragatsi mo nakong ya gompieno go na le mokgatlho o ba ikwadileng mo go one, o ka one ba tla kgonang go duelela dipina tsa bone tse di lediwang mo seromamoweng sa setshaba. Rre Kaboamodimomo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa badiragatsi ba dipina tsa bone tse di tla tshamikiwang mo Seromamoweng sa Botswana morago ga kgatiso ba tla nwa moro ka ba tla atswiwa ka madi. A tlatsa ka go kgothatsa ba mmino wa Polka go tsetsepela le go ipelafatsa le go godisa mmino wa polka oo tumileng mo kgaolong ya kgalagadi ka o setse o na le tatedi e ntsi fa go tshwantshwangwa le mo dingwageng tse di fetileng. Sebui sa tlotla sa letsatsi leo mopalamente wa kgalagdi borwa Rre Jonh Toto o ne a kaya fa mmino wa polka o tlotlilwe thata ke letso la sekhalate bogolo jang kwa mafelong a tshwang le Bokspits,Struizendam , Khawa le a mangwe. O kaile e le mmino o ba binang thata ka nako ya manyalo le mediro e mengwe. Mopalamente o ne a kaya fa ba mmino wa polka o tlotlomaditse thata ngwao ya kgalagadi a supa fa o setse o oka le bone bajanala. O ne a rotloetsa thata balatedi ba mmino wa Polka go dira ka natla ka go ntsha ditalente tsa bone ka seo gape seka thusa mo ipapatsong go tswakanya itsholelo ka se gape se ka thusa gore ba itshetse gammogo le bana ba bone. A tlatsa ka go kgothatsa ba ba sa fenyang go tlhoka go kgobega mme ba ithute mo go ba bangwe le gone go dira ka dira ka natla mo nakong e e tlang gore le bone e tle e nne bafenyi. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Kotsi e gapile botshelo Mapodisi a Kutlwano kwa Francistown a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi a neng a thula ka koloi monna mongwe yo o dingwaga tse di masome a mararo le bongwe wa mo tsamaya ka dinao kgwedi ya Motsheganong e le masome mabedi le boferabongwe. Superintendent Neo Serumola o boletse mo potsolotsong gore tiragalo eo e diragaletse mo tseleng ya A1 sekgala fela sa dikhilomithara tse pedi go tswa kwa Tati Siding go ya Francistown. O tlhalositse fa motsamaa ka dinao a ne a tlhokafala mme setopo se le kwa setsidifatsing sa kokelo ya Nyangabgwe go tlhatlhojwa ke ba bongaka. Le fa go ntse jalo ba sa ntse ba tshegeditse mokgweetsi yoo go ba thusa ka ditlhotlhomiso. Superintendent Serumola o kopile bakgweetsi go kgweetsa ka keletlhoko ga mmogo le batsamaya ka dinao go apara diaparo tse di ka ba senolang bosigo fa ba sa ntse ba le kgakala. O kopile setshaba go ikopanya le mapodisi a Kutlwano kwa Francistown fa ba sa bone mongwe wa losika. Mo go tse dingwe, mogolwane wa mapodisi a Gerald Estates Superintendent Masego Mathitha a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone ngwana wa dingwaga tse di lesome le bobedi a fitlhetsweng a akgega mo ntlong. Superintendent Mathitha o tlhalositse fa ngwana yoo a dirisitse mogala le fa go ntse jalo ga go na molaetsa o a o tlogetseng. O kopile setshaba go kopa bogakolodi ka dinako tsotlhe fa ba na le mathata ga mmogo le go ela bana tlhoko fa ba le mo lwapeng. crime_law_and_justice 1 Banni ba akgola Kedikilwe Batlhophi ba kgaolo ya Mmadinare ba galaleditse mothusa tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe go bo a le pelonomi, e le senatla e bile a na le neelano le tirisano mmogo le bone mo dingwageng tse a saleng a ba emela ka tsone. Ba tsweletse ba re Dr Kedikilwe ke motho yo o pelotelele, e bile a na le lerato la go direla kgaolo ka botswapelo. Ba tsweletse ba bolela fa therisano le bone e ne ele selo sa metlha mme selo segolo se a neng a batla go se direla batho ba gagwe ele go ba siela metsi ka a ne a tshela ka go supa gore fa a ka palelwa ke go dira jalo go tla bo go sena sepe se a ka ipeelang ka sone. Mme Kekgopye Metholo o boletse gore ba tla a gakologelwa mothusa tautona ka dinyao le Setswana se se tlhapileng ka nako tsotlhe fa a buisana le bone mme e bile a supa fa a ba tsiseditse ditlhabololo mo kgaolong ya bone di akaretsa ditsela tsa sekontere, metsi le motlakase. E ne yare a tswa la gagwe, mothusa tautona a tlhalosa fa ditlhabololo ele monama o ya, ka ga gona fa di felelang teng, a re di tshwana le lebelo la neeletsano le yo mongwe a tabogang mme fa a lapa o neela yo mongwe. Fa a itebaganya le kgang ya dikgomo tse di senyang mo masimong, o tlhalositse gore go tserwe tshwetso ya gore makgotla a a lebaganeng le ditsheko tsa bogodu ja leruo le one majo kwa masimong e nne dikgotla tsa Setswana. A re mananeo a temo-thuo a diretswe go thusa Batswana jalo a kopa gore a dirisiwe go tokafatsa seemo sa temo thuo mo lefatsheng leno ka go ntsha dijo, leruo, merogo le maungo a nang le boleng. A re gone ga dirwa ditshekatsheko mo mafelong a le 52, mme mo nakong eno go tla a simololwa ka ale 12, a go tla a isiwang ditlamelo kwa go one go godisa mohama wa temo-thuo jaaka go tla a dirwa kwa kgaolong ya Mmadinare kwa Motloutse go gokela motlakase le go goga metsi. Fa a ama ditlhabololo tse di leng teng mo lefatsheng leno, Rre Kedikilwe o boletse fa lekalana la Botswana Oil le tlhomile mabeelo a leokwane kwa Rasesa mo kgaolong ya Kgatleng. O boletse gape gore lebala la difofane la Sir Seretse le a atolosiwa go ngoka bagwebi gore ba tle ba tlhamaletse go fokatsa madiadia a a nnang teng mo nakong eno. O boletse fa moepo wa magala wa Morupule o ntsha dithane di le 200 000 billion ke sone se puso e boneng go le molemo go a rekisetsa mafatshe a mangwe jaaka Namibia, ele bontlha bongwe ja go aga, go godisa le go tswakanya itsholelo ya lefatshe leno go e somarelela dikokomane. Rre Kedikilwe o rotloeditse batlhophi go tsaya ditlhopho ka tlhoafalo le go babalela dikarata tsa ikwadisetso ditlhopho gammogo le go sekaseka gore boOmang ba bone ba sale mo tirisong. O ba tlhagisitse go ikela tlhoko ka nako e ke ya ipapatso e batho ba simolotseng maretshwa a go ba amoga dikarata tsa bone tsa ditlhopho kana boOmang ba re go baakanngwa sengwe. O lebogile botlhe ba a dirileng le bone mo nakong e a e ntseng mo kgaolong ba akaretsa batlhophi le badirela puso, a bolela fa ele bone ba dirileng gore a kgone go fitlhelela maikaelelo a ditlhabololo tsa metse ya bone ka kemo nokeng e ba neng ba mo e neela ka dinako tsotlhe. politics 7 Ba rotloediwa go tsaya lenaneo ka tlhwaafalo Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Lerala Rre Shadrack Jani o ikuetse mo setshabeng go tsaya ka tlhwaafalo lenaneo le puso e le ntshitseng la go rotloetsa maduo mo dikoleng. Fa a bua kwa letsatsing la go abela bana ba ba gaisitseng ba bangwe ba lekwalo la botlhano dimpho kwa sekoleng sa gagwe bosheng, Rre Jani o boletse fa lenaneo la go rotloetsa dikole le le botlhokwa ka le tsholetsa maduo. Dimpho tseo di ne di tswa kwa go ba lelwapa la mokwaledi wa ofisi ya mopalamente wa Tswapong bokone Rre Oageng Modikwa. Rre Jani a re, maduo a dikole tsa Lerala a ile kwa tlase, ka jalo a tlhokana le thotloetso go tswa mo bana-le-seabe ba ba farologaneng le boradikgwebo ba thusanya le barutabana. A re, thotloetso ya maduo mo dikoleng ga e tlhokane le gore motho a bo a nale madi mme e tlhokana le go tshwaraganela maduo a bana le barutabana. Rre Jani a re, go bo ba lelwapa la ga Rre Modikwa ba bone go tshwanelwa gore ba tsee mophato wa botlhano mo sekoleng sa gagwe, ke sesupo sa gore ntswa ba sena bana ba ba tsenang mo sekoleng sa gagwe, ba tsibogetse boikuelo jwa puso e bile ba kgathala ka thuto ya lefatshe leno. O ikuetse mo go ba ba nang le bokgoni go tsibogela ikuelo ya puso ya go rotloetsa thuto. Fa a abela bana dimpho Rre Modikwa o boletse fa e ne le ba lelwapa la gagwe ba ne ba utlwa ikuelo go tswa mo sekoleng seo mme ba buisanya gore ba ka se ema nokeng jang. A re, mo go buisaneng ga bone, ba ne ba iphitlhela ba sena bokgoni jwa go tsaya sekole sotlhe mme ba dumalana go tsaya mophato wa botlhano o ba tla a o rotloetsang ka go fa ba ba gaisitseng ba bangwe dimpho kgwedi le kgwedi go fitlha ba fetsa lekwalo la bosupa. A re, fa mophato oo o ntse o tsweletse go ya go dira mophato wa bosupa, ba tla a tswelela ba ntse ba o rotloetsa ba tsweletse gape ba thusa le mophato wa botlhano. O ikuetse mo morafeng go tsibogela ikuelo ya puso ya go rotloetsa thuto ka ke gone fela mo go ka isang thuto ya lefatshe leno kwa godimo. BOKHUTLO education 4 ESP e tlaa godisa itsholelo Mokwaledi mogolo wa ofisi ya ga Tautona Rre Carter Morupisi, a re lenaneo la go rudisa itsholelo la Economic Stimulus Programme (ESP) ga se sepe se se ka gakgamalelwang ka gore le setse le supile fa le bereka ka mafatshe mangwe a kile a le dirisa go tsosolosa itsholelo ya one. O buile seo a lekodisa badirelapuso ba kgaolo ya Bobirwa ka Labone. A re ESP e tlaa tsolosa mehama ya temo-thuo, bojanala, go tlhama mebereko le go tsosolosa itsholelo ya magae ka go abela ikgwebo tsa beng gae ditiro tsa puso. Rre Morupisi a re badirelapuso ke bone ba lomaganyang lenaneo le mme bontsi jwa ditiro bo tshwanetse go tsamaisiwa ke dikgwebo tse di ikemetseng ka nosi. A re puso e ne ya tswa ka lenaneo le ka gore ka ngwaga wa 2008, go ne ga nna le kwelo tlase ya itsholelo mme se sa baka gore ditiro di le dintsi tsa ditlhabololo di seegelwe kwa thoko. O supile fa mo dingweng tseo fa motsetse a ne a ja ka letsogo, mafatshe a le mantsi a ne a fokotsa bodiredi fa Botswana ene a sike a kgaola ope mo ditirong. Rre Morupisi a re le mo sebakeng sa gompieno seemo se ntse ga se jetse diwelang ka gore mo ngwageng o o fitileng wa 2015, seelo se se neng se beilwe sa go rekisa diteemane tsa P20 billion se sa kgona go fitlhelwa mme go rekisitswe P10 billion fela. A re go tsosolosa mehama e tshwana le ya bojanala le temo thuo go tlaa dira gore bontsi jwa batho ba ba senang ditiro bogolo jang banana ba kgone go bona mebereko. O rotloeditse bodiredi jwa kgaolo ya Bobirwa bogolo jang jwa dikole go reka dithoto tsa beng gae gammogo le go dirisa banni ba mafelo ao go baakanya mafelo a borutelo fa go senyegile go na le go tsaya bagwebi go tswa kwa ntle. Rre Morupisi a re go reka kwa ntle ga mafelo kgotsa kgaolo go ka dirwa fela fa dithoto kgotsa ditirelo tse di tlhokwang di seo mo mafelong ao. Fa a ama mafelo a itsholelo a a faphegileng (Special Economic Zones) a re lenaneo la ESP le ikaelela go godisa mafelo ao a supa fa thulaganyo ya SPEDU e na le lefelo la go tlhotlha dithoto tsa temo kwa Selebi Phikwe a supa fa moepo wa BCL e le one fela o o kgonang go nyerolosa tshipi. O lekodisitse bodiredi fa ofisi ya ga molaodi e le yone mogokaganyi wa ditiro tsa lenaneo la ESP mo dikgaolong e bile e fuduseditswe kwa ofising ya ga Tautona go tswa kwa lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae. Rre Morupisi o lebogetse kgaolo ya Bobirwa go bo e ne ya thapa beng gae go aga matlo a le lesome le bosupa a batho ba ba neng ba senyediwa ke setsuatsue se se neng sa senya matlo a bangwe banni ngwaga o o fetileng. economy_business_and_finance 3 Bomme ba Pilane ba thulanya ditlhogo Bomme bangwe ba bararo e bong Ntebaleng Shatani, 29, Mirriam Moloi, 69, le Kamogelo Order, 29, ke bangwe ba ba inaakantseng le lenaneo la puso la Gender Affairs le le ba thusitseng go dira kgwebo ya ditilo. Mme Shatani a re boraro jo, bo kopantswe ke lorato le maikutlo a a tseneletseng a kgwebo mme ba dumalana go simolola kgwebo ya bone. A re go ipopeng ga bone, ba ne ba nna fatshe ba akanya go dira kgwebo e e ka ba tsenyetsang madi gape e le pharologanyo. Mme Shatani a re ba ne ba tswa ka megopolo mme ba felela ba dumalana go simolola kgwebo ya go dira ditilo ka ba ne ba lebile bokgoni le botsipa jwa bone. O tlhalositse fa Mme Order a ithutetse go betla, fa Mme Moloi ene a na le kitso le botsipa mo go tsa go roka gape a kile a bereka ka lobaka a roka. Mme Shatani a re ba ne ba ikaelela go tsaya toro ya bone ya go bula kgwebo ka tlhoafalo mme ba tswa letsholo la go batla madi a go simolola kgwebo. A re ba ne ba simolola pele ka go batla fa ba ka direlang kgwebo teng mme ba felela ba dumalana le go batla lefelo mo Pilane ka e le motse o o tletseng dikgwebo gape o sena marekisetso a ditilo. Ka madi e le konokono mo go simolodiseng kgwebo, a re ba ne ba utlwalela lenaneo la Gender Affairs kwa ba neng ba ya go kopa dithuso tsa madi teng. A re ba ne ba isa kopo kwa Gender Affairs ka 2015 mme ba seka ba ipona tsapa go fitlhelela kopo ya bone e atlega mme ba simolola kgwebo ya go dira ditilo ka 2016. Mme Shatani a re ka ba ne ba le magorogo masha mo Pilane, ba ne ba simolola go ipapatsa, ba tsena ntlo le ntlwana mo metseng e e mabapi ba rekisa kgwebo ya bone le go ipapatsa ka pampiri ya ipapatso. Go dira jalo go ne ga tswela kgwebo ya bone mosola ka ba ne ba amogelwa ke Batswana mme kgwebo ya simolola go gola. A re ba ne ba simolola go tsenelela ditshupo e le tsela nngwe ya go kwatabolotsa mo go ba bangwe gore le bone ba tle ba kgone go tsepama mo kgwebong. A re ba ne ba bona gore ba gatetse pele mo kgwebong ka gore ka Ngwanaatsele ngogola ba ne ba lalediwa ke ba ofisi ya Nyeletso Lehuma go buisa dialogane tsa lenaneo leo, mme se, sa ba bulela dikgoro. A re ba Botswana Television ba ne ba ikgolaganya le bone ka lenaneo la Bosele, thulaganyo e e supang dikgwebo tse di thusitsweng ka mananeo a puso mme lenaneo le, le ne la rekisa kgwebo ya bone. O lebogetse lenaneo la Bosele thata a re fa e ne e se ka lone ba kabo ba sa itsewe ke Batswana ka bontsi, a supa fa thulaganyo eo e ne ya ba golaganya le bareki. economy_business_and_finance 3 Tiro e ntle e tshwanelwa ke legofi Motlhatlhelela dithuto yoo ikemetseng Mme Hannah Lecha a re e re le ntswa dikgang tsa barutabana di le dintsi, fela go a itumedisa gore bangwe ba bo ba kgona go ntsha maduo a a nametsang. Mme Lecha o buile jalo kwa moletlong wa go lemoga le go abela barutabana ba sekole sa Moeti ditlankana tsa go ba akgola morago ga gore ba bo ba dirile sentle mo go ntsheng maduo a a nametsang a lokwalo la boraro morago ga gore go tlhalosiwe fa sekole seo se ntse se ntsha maduo a mantle go tloga ka 2010. A re go botlhokwa gore motho ga a dirile tiro e ntle, a lemogiwe kgotsa a akgolwe gore le ene le ka moso a ikutlwe a le motlotlo thata le fa a tswelela ka go dira, a re ke go ba tiisa moko mo go se ba se dirang. O tsweletse a re go ba lemoga go ba dira gore le bone ba tswelele ba ikutlwa ba le motlotlo e bile ba tswelela ka go dira bontle joo go re ba kgone go tsamaya sekgele. A re go lemoga tiro ya motho ke selo se se botlhokwa thata ka jaana se mo neela monyetla wa go itemoga gore le ene ke batho le gore ba seka ba tloga ba nna boitseme mme ba tloga ba simolola go lekanya tiro le madi. Mme Lecha a re go bua ka morutabana gompieno ke kgwetlho e tona ka jaana ba kopana le bana ba botho jo bo farologanyeng le go dirisa dilo tse di farologanyeng jaaka nnotagi, ditagi le tse dingwe tse di farologanyeng, mme a ba lebogela gore lefa go ntse jalo, ba ile ba kgona go fenya diemo tseo. O bile a re ga ba kgonne go dira sentle mo ngwageng ono, ke gore o o tlang le gone ba tswelele ka yone tiro e ntle e. O ba kgothaditse go tla ka mekgwa e mesha e ba ka e dirisang gore ba tlise maduo mo ngwageng o no, a re o dumela fa go bereka ba le seopo sengwe e le gone go ba tlisetsang maduo a mantle ao. A re ba seka ba nna ba bua thata gore baa dirisiwa mme a re le bone ba nne le sebaka sa go dirisa ditsompelo tsa puso gore ba kgone go ntsha o ne maduo a mantle. Mme Josephinah Makoba, go tswa kwa Mmadikolo (UB) a re barutabana ba Moeti ba dira tiro e ntle thata, mme a tlatsa ka gore ba tshwana le mokgweetsi wa koloi ya setshaba, ka a re ba na le bana ba mefuta mme fela se se molemo ke gore ga go ba itsapise. O tsweletse a re e re lentswa batsadi bakile ba ba kgala ka nako ya tlhagogo ya mowa wa ga Saatane, o o neng o le mo dikoleng, bangwe ba dumela fa o tla ka bone fela o lebogela gore seo se bo se sa ba kgoba marapo, a re o ba lebogela gore bone ba kgona go ikgothatsa mo di nakong tse di thata. A re kana fa bana ba ya go goroga kwa go bone kwa Mmadikolo, ba a bo ba setse ba budule ba tla ba agegile jaanong sa bone e le go kgoma fela ka tota tiro yotlhe e dirilwe kwa ba tswang gone. Mme Makoba a re ga se gantsi dikolo di ipha nako ya go lemoga barutabana fa ba dirile tiro e ntle, mme o ne a ba a akgola thata bogogi jwa sekolo sa Moeti a re botswelele fela jalo. Mothusa mogokgo wa sekolo seo, Mme Gladys Mafoko a re tirisano mmogo e e kwa sekoleng sa bone ke e e kwa godimo. A re ba e lebogela segolo jang ka e ba tlisetsa maduo a mantle thata, mme a re e re lentswa ba ise ba nne bone ba ntlha lefatshe lotlhe, fela mo kgaolong eo ba dira bontle thata. Mme Mafoko a re kwa sekoleng sa bone ba dumela fa thuto e tshwanetse go tseelwa kwa godimo thata le gone gore bana ba tshwanetse go fenya ka maduo a a nametsang go sa kgathalesege gore seemo se ntse jang. Mogokgo wa sekole seo Rre Mophulodi Raditsi e ne o rile ba tshwanelwa ke go ititaya ka thupana gore ba fitlhelele se ba se batlang. BOKHUTLO education 4 Mananeo ga se polotiki - Kgosi Kgosi Keletlhobogile Baatlholeng wa Gweta mo kgaolong potlana ya Tutume o supile fa a sa jesiwe diwelang ke bangwe ba ba tsweletseng ka go ntsha mafoko a a kgobang ba bangwe marapo go ka ikopela dithuso tsa mananeo a puso a a farologaneng . Kgosi Baatlholeng o buile jalo mo potsolotsong le BOPA, a re puso ya lefatshe leno e tsweletse ka go intsha setlhabelo go tla ka maano e bile e a tokafatsa ka maikaelelo a go thusa Batswana ba ba amilweng ke lehuma go ka itirela motswedi wa itshetso. A re puso e dira ka gotlhe gore mananeo a itshetso ka go farolgana a a goroga mo Batswaneng lefatshe ka bophara ka jaana go na le maphata a a tsamaisang mananeo a e bile a a tlhokomela. Le fa go ntse jalo kgosi o supa fa a santse a le bete se molwangwana go bona bangwe banni ba motse ba ba amiwang ke lehuma ba le bonya go ka batla kitso le gone go ikopela dithuso tsa mananeo. Kgosi Baatlholeng a re mangwe mabaka a a ba rotloetsang gore ba ikgogele kwa morago go ka ikgolaganya le diofisi tse di maleba go itse ka mananeo le mosola wa one ke gone gore ba eteleditse kitso e e senang boleng kwa pele. A re bangwe ba tsweletse ka go amanya mananeo a le merero ya polotiki. A tlatsa gape ka go supa fa bangwe ba tsweletse ka go ntsha kitso e e seng maleba ya gore mananeo a diga seriti e bile a dia nako. Kgosi Baatlholeng a re go botlhokwa gore Batswana ba tlhaloganye fa mananeo a a puso a diretswe Batswana, go dirisiwa ditsompelo tsa puso gape ga a amane gope le merero ya polotiki kgotsa ga a tlhamiwa go lebilwe lepe legae la polotiki. A re mangwe maikaelelo a mananeo ke go leka go aga seriti gape ke nngwe tsela ya go tsosolosa mowa wa boipelego go fokotsa gore bontsi jwa Batswana ba ikaege fela mo pusong ka sengwe le sengwe. Ka jalo Kgosi Baatlholeng a re go botlhokwa gore Batswana ba seegele fa thoko dikakanyo le dikitso tsa boleng jo e seng jone jwa go amanya mananeo le polotiki mme ba tseye malebela go lemoga molemo o mananeo a ka o dirang. Kgosi a re nako e gorogile ya gore Batswana ba atle dithuso tse puso e tsweletseng ka go di gorosa kwa go bone e bile ba di dirise mo go maleba go supa fa ba di amogela ka tsoo pedi. BOKHUTLO society 9 Bolux e abela malwapa dijo Malwapa a le lesome kwa kgotleng ya Borakalalao kwa Molepolole a abetswe mephuthelwana ya dijo mongwe le mongwe fa bale makgolo a mane bone ba itswetse ka phaleche ya bokete jwa 2.5 gotswa mo khamphaning ya Bolux Group kwa Ramotswa. E rile a rola mafoko a go amogela dijo tseo tse dineng di ka lopa P25 000, Mopalamenete wa kgaolo ya Molepolole Bokone, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri a lebogela Bolux Group go bo e tshwere ka natla mo tlhabololong ya matshelo a Batswana ba ba tlhokileng lesego, e bile e supega e sa itebaganya fela le go dira dipoelo. A re go a itumedisa go bona dikhamphani tsa dikgwebo di supa le go lebogela kemo nokeng ya Batswana mo dikgwebong tsa bone ka go bowa ba busetsa mo setshabeng bontlha bongwe jwa dipoelo tse ba di dirang, a re seo se ka rotloetsa le go tiisa bareki moko bareki. Rre Matlhabaphiri o ne a rotloetsa Batswana go kgothala mme ba eme nokeng Bolux le dikompone tse di kgathegelang tlhabololo ya matshelo a Batswana ka go tswelela ba reka tse e di dirang gore katlego ya tsone e tsweleleleple. Are go lemosegile gore ditiro tsa ba Bolux ke tse di tlhwaafatseng ka dithuso tsa bone di tsweletse go supafala lefatshe ka bophara a fa sekai ka mafelo a tshwana la Holy Cross Hospise, Lefelo la tlhokomelo bana ba dikhutsana la SOS le la tlhokomelo ya bagodi. Mothusa tona o gateletse botlhokwa jwa gore a dithuso tseo enne tse di tla lereng pharologanyo mo matshelong a batho ba Borakalalo aba a kgala monkgwa o go le gantsi o dirwang ke batho bangwe wa go di fitisetsa kwa di sa tshwanelang teng jaaka go di rekisa A re mekgwa ya gonna jalo ke e tshwanetseng ya kgalwa le go kgwiwa mathe ka jaana e ka kgoba marapo le bao ba kgathegelang go thusa mme go rontshe ba ba tlhokang ka boammaaruri sebaka sa ro baona dithuso. Mmodiri wa tsa kanamiso kwa Bolux Group, Mme Tlotlo Rampatla o ne a tlhalosa fa ba tsere tshwetso ya go thusa batho ba kgotla ya Borakalalo ka mabaka a seemo sa botlhoki jo bo lemosegileng kwa kgotleng ba thusana le komiti ya ditlhabolo tsa motse ga mmogo le bodiredi jwa lephata la boipelego go tlhopha malwapa a lebaneng. Mme Rampatla a re dijo tse di abetsweng malwapa a lesome ke tse goneng ga tsewa tshwetso ya go tsibogela seemo sa malwapa a goneng go supafetse a tlhoka thuso ya go tlhokomelwa ke puso ka fat lase lenaneo la boipelego mme ba ise ba simolole go thusiwa. A re Lenaneo la kompone eo ke le le itebaganya le go thusa botlhoki jaaka e ntseng e tsweletse a tlhalosa fa metse e tshwana Ramotswa, Taung, Mahalapye le Old Naledi ele mangwe a mafelo a a setseng a kgonne go akola dithuso k aka tlase ga thulaganayo ya go thusa go lwantsha botlhoki. Mo mafokong a kamogelo, Kgosi wa kgotla ya Borakalalo Rre Sesiane o lebogetse dikompone tse di tsweletseng ka go lemoga botlhoki jwa batho ba kgolo ya gagwe le go kgatlhegela go ba inola mo bothateng jwa lehuma le le apeneng kgaolwana eo. Mogolwane wa Bolux Gropu Rre Gabriel Mosinyi, o gateletse ntlha ya gore kompone ya gagwe kgwebo ya yone esa itebaganya fela le go dira dipoelo mme gape e eteleditse pele gape mowa wa boutlwelo e ikaegile thata le moono wa nngwe ya dipilara tsa Tebelopele ya Sechaba, ka go nna kutlwelobotlhoko ebile e kgathala. BOKHUTLO society 9 Ba tlogela sekolo ba le bantsi Dipalo tsa bana ba ba tlogelang sekole kwa sekoleng se segolwane sa Tsabong ga di jese diwelang. Se se builwe ke mogokgo wa sekole seo, Mme Segametsi Matlho mo kabong-dimpho ya bana ka labotlhano. Mogokgo o ne a ngongorega ka dipalo tsa bana ba ba tswang mo sekoleng seo tse di golelang pele ntateng ya boimana le go nyelela fela ba tswa mo sekoleng go ya go bereka kwa dipolasing. O kaile fa go simologa ka ngwaga wa 2011 go fitlha mo nakong ya gompieno, go setse go dule bana ba le masome a marataro le bongwe (61). O ne a supa fa batsadi bangwe ba bana bao ba sa tseye kgato epe ya go ba itsise fa bana ba sa tle sekoleng. Fa a bua ka boitshwaro jwa bana, Mme Matlho o ne a supa fa bo sa kgatlhise gotlhelele ka ba inaakantse le ditiro tsa botlhoka tsebe, tsa go nwa bojalwa, go goga metsoko jaaka metokwane le e mengwe le gone go ratana ba sa ntse ba le bannye. O kaile fa batsadi bangwe ba rotloetsa boitshwaro jo bo makgapha jo, ka e le bone ba rekisetsang bana majalwa le metsoko, boemong jwa go ka bo ba gakolola. Mme Matlho fa a lekodisa batsadi ka maduo a sekole seo, o ne a tlhalosa fa a sa nametse, ka mo ngwageng o o fetileng e ne e le 64 per cent mme a kopa bana bogolo jang ba mophato wa boraro go dira ka natla go tokafatsa maduo ao. Mo tekodisong ya gagwe o ne a tlatsa ka go supa fa kago ya sekole seo e tla tswelela mo nakong e e sa fediseng pelo, le gone gore mophato wa bone o ka amogelwa fela mo sekoleng seo ngwaga o o tlang fa matlo a borutelo le borobalo a weditswe. Sebui sa tlotla sa letsatsi leo, modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi Rre Frans Van Westruihuizen, o ne a gwetlha batsadi go tshwaraganela bana le barutabana go tokafatsa dithuto tsa bone, ka seo se ka thusa le gone go ba betlela bokamoso jo bo eletsegang. Modulasetilo wa khansele o ne a supa fa barutabana ba nako ya gompieno ba na le dithutego tse di kwa godimo, ditlamelo le maranyane a segompieno fa go tshwantshanngwa le nako tsa maloba; mme se se swabisang ke gore bana ga ba tlhwaafalele dithuto tsa bone. O ne a ngongorega thata ka bana ba ba sa tseyeng dithuto tsa bone ka tlhwaafalo, bogolo jang ba mophato wa boraro le botlhano, ka ba felela ba tlatsa diphatlha tsa batsadi ba bone kwa ipelegeng. Rre van Westhuizen o ne a gwetlha batsadi go ruta bana ka botlhokwa jwa thuto go simologa fela kwa malwapeng ba sale bannye le gone go ba ruta botho le maitseo; mme a wela ka go akgola thata bana-le-seabe botlhe mo thutong. BOKHUTLO health 6 Thuto ka ipabalelo tseleng e botlhokwa Ba Motor Vehicle Accident (MVA) Fund ba itshwaragantse le ba sekole sa Raserura mo Mochudi go tsibosa ka botlhokwa jwa ipabalelo tseleng. E rile a bua kwa thuto-puisanyong e e neng e tshwerwe kwa Mochudi bosheng, Moemedi go tswa kwa MVA, Rre Tlhabano Mmusi a re go botlhokwa go gasa molaetsa wa ipabalelo tseleng ka e ama mongwe le mongwe. A re ba dirisa sekole ka ke sone lefelo la thuto. Rre Mmusi a re fa bana ba rutwa ka ipabalelo tseleng ba santse ba le babotlana, ba kgona go gola ka kitso le thuto, e bile ba ka kgona go gakolola le ba ba kwa lwapeng. A re sekole sa Raserura se gatetse pele ka go rutuntsha bana ka ipabalelo tseleng, e bile bana ba kgonne go nna le sebaka sa go gasa molaetsa ka go bua le bakgweetsi gore ba ipabalele. Rre Mmusi a re ga ba a leba dikole fela, ba lebile le banana ba ba sa berekeng, go ba tswa letsholo ka go gasa molaetsa wa ipabalelo tseleng. A re dikotsi tsa tsela di a tshwenya ka di gapa matshelo a batho, mme di tlogele batho ka kutlobotlhoko le ka khutsafalo. Rre Mmusi o ne a tlhalosa gape gore dikotsi di ama malwapa, ka di gapa matshelo a batho ba ba tsisang dijo mo lapeng mme se se bake gore ba tshelele mo dikolotong. O ne a rotloetsa ba sekole sa Raserura go tswelela ka tiro e ntle ya go rutuntsha bana ka tsa ipabalelo tseleng. A re go dira jaana go supa fa e le sekao mo setshabeng, e bile a solofela fa dikole tse dingwe di tlaa tsaya malebela mo go bone gore ba boloke matshelo a batho. E rile a bua moono wa letsatsi, Mme Zipporah Ruele a re sekole sa bone se amegile thata mo dikotsing tsa dikoloi ka bana bangwe ba gapetswe matshelo ke dikotsi tsa tsela. Mme Ruele a re se se ne sa dira gore ba thulanye ditlhogo e le sekole, mme ba dira mokgatlho o mo go one ba rutang le go tsibosa bana ba sekole le setshaba ka ipabalelo tseleng. A re mokgatlho o, maikaelelo a one ke go anama le motse otlhe go ruta baithuti ba dikole tse dingwe ka ipabalelo tseleng. O ne a tlhalosa fa ba sa remelela fela mo baithuting, mme gape ba rotloetsa bakgweetsi le batsamaya ka dinao go obamela matshwao a tsela. A re bakgweetsi ba seka ba kgweetsa ba bua le mogala ka ke one o bakang dikotsi, e bile a ba rotloetsa le go dirisa lebante la koloi. Mogolwane wa mapodisi a Mochudi, Assistant Superintendent Onthusitse Keitumele a re go botlhokwa go ruta bana ka tsa ipabalelo tseleng gore ba gole ba na le kitso le thuto e e tseneletseng. A re dikotsi tsa dikoloi mo Mochudi le metse e e mabapi di a tshwenya ka di gapa matshelo a batho e bile di senya dithoto. Supt Keitumele a re mono ngwaga ba kwadisitse dintsho di fera bongwe mabapi le dikotsi tsa dikoloi, fa ka 2017, batho ba supa ba latlhegetswe ke matshelo ka ntata ya dikotsi. A re se se a tshwenya ka se tsisa kutlobotlhoko mo malwapeng le mo setshabeng se se latlhegetsweng. O ne antlhalosa fa dikotsi dingwe di bakwa ke ka fa bakgweetsi le batsamaya ka dinao ba itshwarang ka teng. Ast Supt Keitumele a re bakgweetsi le batsamaya ka dinao ba tshwanetse go fetola boitshwaro jwa bone fa ba dirisa ditsela, go ba balela matshelo a bone. A re bakgweetsi ba seka ba tsaya mesepele e meleele ba na le letsapa ka le ka dira gore go nne le dikotsi mo tseleng. Mme Edith Pilane, yo o neng a tseneletse thuto-puisanyo e, o lebogetse maiteko a MVA le ba Raserura ka thuto ya ipabalelo tseleng ka e le botlhokwa. A re setshaba se tshwanetse sa tsibosiwa ka ipabalelo tseleng ka e ama mongwe le mongwe. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Mapodisi a simolodisa lenaneno la go etela dikereke Mapodisi a Ghanzi a simolotse lenaneo la go ya go kopa merapelo mo dikerekeng ka go farologana tse di mo toropong ya Ghanzi ka tshipi mongwe le mongwe beke eno. Erile a ntsha la gagwe ka tiro eo, mogolwane wa mapodisi, Rre Batshu Muzola a re lenaneo leo le tla jaana morago ga go lemogwa fa go na le tlhaelo ya baruti mo sepodising. A re mapodisi ao a tsile go ya kwa dikerekeng ba apere kapari ya sepodisi ka jalo dikereke di tshwanetse go tshwaragana le bone. Mogolwane wa mapodisi, Rre Muzola a re go botlhokwa gore mapodisi a tsene dikereke ka dinako tsotlhe gore le bone ba kgone go ikamanya le lefoko la Modimo. Rre Muzola a re lenaneo leo la mapodisi la go tsena dikereke ga ba ye go itebaganya le kereke e le nngwe fela jaaka ba simolotse kwa kerekeng ya Dutch Reformed, ba ya go tsamaya le dikereke tsotlhe mo Ghanzi. Rre Muzola a re lenaneo leo le simolotse ka ngwaga wa 2006,mme ka jalo mo kgaolong ya Ghanzi ba ne ba salela kwa morago ka dikgwetlho dingwe a tlatsa ka gore ke ka moo ba simolotseng lenaneo leo. Rre Muzola a re mo sepodising go na le letlhoko la baruti mme a tlatsa ka gore go tsamaya dikereke go tlaa kaba phatlha eo ka mapodisi a tlaa ithuta lefoko la Modimo. Rre Muzola a re gape mapodisi go ya kwa dikerekeng ba tsile go leka go thusa ba bangwe go ba sidila maikutlo fa ba na le mathata mo tirong le mathata a bone a lelwapa. Rre Muzola a re mapodisi go tsena dikereke go ka tsisa diphetogo tse dintsi mo matshelong a bone go na le go nna fela ba sa tsene dikereke. Erile Moruti Sebeko a amogela mapodisi ao a supa fa e le kgatelopele e tona e e tserweng ke sepodisi sa lefatshe leno. Moruti Sebeko a re go botlhokwa gore motho mongwe le mongwe a tshele ka lefoko la Modimo le go tshelela Modimo. Moruti a re fa o ka itebaganya le lefoko la Modimo o tlaa tshela botshelo jo bo siameng go ya go ileng. O kopile mapodisi ao go tswelela ba tsena dikereke ka mowa o o sosologileng ba sa tshabe sepe. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Dinkgwana di tshetsa Botsheleng Mme Tuduetso Botsheleng wa Khuis kwa kgaolong ya Kgalagadi o simolotse kgwebo ya go bopa dinkgwana tsa mefuta e e farologaneng ka ngwaga wa 2006. A re kgwebo e, ke yone a e dirisang go itshetsa le ba lelwapa la gagwe. Nako ya fa a simolola tiro ya go bopa o ne a itirela mo lwapeng se e le tsela ya go intsha bodutu mme a sa bone fa se se ka fetoga go nna kgwebo. O supile fa a godile fela a sena kakanyo ya go ka bopa mme mogopolo o, o ne wa mo tlela ka ngwaga wa 2006 fa a ne a itirela mekgabisa ya mo lwapeng fela. A re o ne a dirisa boloko le mmu go bopa dinkgwana tse dinnye tse di beelang dithunya. O tlhalosetse fa a ne a tsaya nako e ntsi go bopa ka gore o ne a batla gore mmu le boloko di ome pele, e bo e le gone a tswelelang ka go di tshuba gore di lebege jaaka a batla. Mme Botsheleng a re e ne ya re fa a fetsa go dira se, batho ba supe kgatlhego, ba kope gore a ba direle. O ne a dira jalo mme a ba kope gore ba mo tlhatswe diatla. Se se ne sa mo gwetlha gore a fetolele go bopa go nna kgwebo. O supile fa se, e ne ya nna yone tiro ya gagwe ya malatsi otlhe. O tlhalositse fa batho ba motse wa gagwe ba ne ba mo rotloetsa gore a e go supa dinkgwana tsa gagwe kwa ditshupong tsa kgaolo ya Kgalagadi Borwa ka ngwaga wa 2011. Ditshupo tseo di ne tsa fetola botshelo jwa gagwe fela thata ka gore batho ka bontsi ba ne ba supa kgatlhego e kgolo thata mo tirong ya gagwe. Ba lephata la boipelego mo khanseleng le bone fela jalo ba ne ba itumelela tiro e, ba felela ba mo isa kwa dithutong tsa go bopa dibeke tse pedi kwa Makopong. O ne a tlhalosa fa dithuto tse di ne tsa mo fa lesedi le le tseneletseng ka tiro ya go bopa. O supile fa a ithutile fela go le go ntsi mo dithutong tseo ka o ne a rutiwa le go bopa ka mmopa, se e le tsela ya go tlhofofatsa tiro ya gagwe. O ne a tswelela a tlhalosa fa theko ya dinkgwana e le ntsi fela thata mo kgaolong ya Kgalagadi ka di sa nne lobaka di sa rekiwe. “Batswana ba rata dinkgwana tsa me fela thata se se dirwa ke gore kgwebo ya teng ga e ntsi ka kwano ka ebile di supa boleng jwa ngwao ya rona”, a tlhalosa. Botsheleng a re batho ka bontsi ba batla dinkgwana tse gore ba tle ba kgabise matlo a bone gape di tsenya malwapa a bone seriti sa gore ke Batswana ba ba sa ntse ng ba tshwere ngwao. A re ba bangwe ba di dirisa mo meletlong jaaka manyalo go tsenya dithunya. Kgwetlho e a kopanang le yone thata ke ya go tlhoka mmopa lebaka le le leele ka go bo a o tsaya kgakala kwa Kanye. O tlhalositse fa madi le one e le kgwetlho ka a ka se kgone go nna a ya Kanye beke le beke a re o ya go tsaya mmopa. O ne a tswelela a re dinako tse dingwe dinkgwana di kgona go gana go wela mo tebegong go ka rekisiwa mme se, se busetse kgwebo kwa morago. A re le ntswa tiro ya go bopa e le boteke o solofela gore mo dingwageng tse di tlang e bo e godile a dira dilo tsa go bopa di le dintsi ebile e le tsa mefuta e e farologanyeng. Mme Botsheleng o gwetlha Batswana gore ba sale ditoro le ditalente tsa bone morago ba seka ba di itsapela ka gore di ka fetola matshelo a bone. economy_business_and_finance 3 Ntshang thuto ya boleng kwa dikolong Mogolwane wa boipelego mo kgaolong potlana ya Bobirwa Rre Gabobofane Mbwe a re dikolo tsa bananyana (Day care centre) di tshwanetse tsa nna le dithuto tsa boleng,go rutuntsha bana ba dingwaga tse pedi le sephato go tsena kwa go tse thano. Rre Mbwe o buile seo kwa thuto puisanong ya baakomedi ba dikolo tse di mo dikgaolong Bobonong,Mmadinare le Sefhophe ka Laboraro (Motsheganong 20). A supa fa bontsi ja batsadi ba bereka,mme ba bona go le botlhokwa go tlogela bana kwa dikolong tse di ikemetseng,mme batsadi ga ba a tshwanelwa go latlhegelwa ke tshepho. Mogolwane wa ba boipelego wa kgaolo ya Bobirwa Mme Itumeleng Lebani a bua ka maikaelelo a thuto puisano eo a re ba tsile go buisana gotswa ka metlhale ya kgodiso ya ngwana kwa malwapeng ,le gotla ka metlhale e mesha le go fana maele ka go nonotsha kgodiso ya ngwana ,e le ba dikolo tsa Bananyana ka setshaba sena letsholofelo e tona. Mokgang enngwe o ne a supa fa go thamilwe batho ba ba sekasekang molao wa ngwaga wa 2001 ka golebega o siilwe ke nako ,o tlhokana le go bakanngwa go itepatepanya le paka e no. O tlhalositsi fa gole botlhokwa gore bananyana basugiwe ditlhaloganyo bale ba botlana,pele baya dikolong tse dipotlana. O boletse fa bana ba baisiwang kwa dikolong tsa Day care centre ba kgaoganngwe ka ditlhopha bogolo jang ba dingwaga tse pedi le sephato barutelwe golo golegongwe fa ba ngwaga tse nne bale esi ka ga ba lekane ka ditlhaloganyo. Ntlha e nngwe ke gore gomo maruding a batsadi go ba isa kwa dikolong tse disa duelweng,kana tse di ikemetseng,a tswelela a tlhalosa fa dikolo tsa bananyana di bo di tshwana,ka tsamaiso go sa kgathalesege gore bamo lefelong lefe kana mo lefatshe ka bophara, fa sekai a ko Robelela,Paje le a mangwe. A re ka jalo ke go tlokafatsa thuto ya lefatshe leno.a re gona le melawana e letlang gore Day care cetre e nne le bana bale 45 ka palo le gore tikolo e siametse goka pheka dikoloi fa ditsisa bana ,le bana batshamekelang teng go bolegile. O ne a tlhalosa tiriso ya lefatshe ba duela P100.00,mme fa ba ntshafatsa Lacens ke P10.00 Ntha enngwe ke gosupa gore sekolo seo setsamaisiwa jang,mme tsotlhe di bonwa mo Lacens ye o efilweng ke khansele e bewa fa e tla bonalang e sanne kwa malapeng. Lepodise la khansele(Bye Law) Rre Douglas Segakisi a re go dira basena tletla batla atlholwa le gosa sale molao morago,batswala sekolo,gape gaba letlele goga motsoko mo lefelong.a re dinako tsa go bulwa ke nako ya bosupa mo mosong gotsena ka naka ya boraro mo tshokologong.a tlatsa ka gore ka Matlhatso le Sontaga ga go bulwe . O ne a tlhalosa fa badira molato lantlha baduela P100.00 le kgolegelo ya kgwedi,fa batswelela ba atlholwa P200.00 le kgolegelo ya kgwedi tse tharo. Rre Mooketsi sebina a tlhalosa fa o itlhokomolosa ngwana baka atlholwa P10.000. A re se sebotlhokwa ke gore ngwana a nne le setlankana sa matsalo,le gosupegetsa bana bosula le molemo e le tsela ya go aga ngwana. O boletse fa gona le batsadi ba basa kgonneng goisa bana bone kwa Day care centre bakeng la intsholelo. Mokhanselara yo o itlhophetsweng Rre Kgomotso Mmereki a ba rotloetsa gotsaya dikolo tsa bone ka tlhwaafalo. A re se se botlhokwa ke gotla ka thuto ya seemo se se kwa godimo e ne le boleng,a tlhalosa fa moditshekatshekong tsa ngwaga wa 1999 ke gotlokafatsa,le tlhokomelo ya seemo se se kwa godimo e le bontlha ja golepalepana le thuto ya gompieno. O boletse fa boikarabelo ja kgodiso ngwana e le mogo bone,le gore ngwana a dire botoka a bo a fitile ka dikolo tsa Day care centre,a fa sekai ka dikolo kgaolo ya Orapa ditsaya maemo a kwa godimo,kgang ke gore ba dirile thulaganyo ya gore ga ditseye ban aba basa fetang ka di Day care centre. A re ditlhametse Batswana ditiro,le tsone dipalo ditshwana Tax le dikhombi bananyanan batlaa kgotla nna le sebaka sa goisiwa kwa mafelong a farologaneng a dikolo tseo. Batsena thuto puisano eo baakgala ba batla goitsi gore fa bana le sekolo sa Day care centre mo lefelong le lengwe,baka dirisa leina le lengwe mo mafelong a afarologaneng. Bane ba supa dikgwetlho tse bakopanang letsone jaaka ngwana a saletswe ke dikgwedi tse pedi go ya sekolong se se botlana,ba mogana bare dingwaga gadia wela,kwa bofelong gopatiki gomo tsaya e le ba dikolo tsa Day care centre. Ntlha engwe bare kgwetlho e e tona ke bana le bogole,bafelela bafitisa palo e batshwanetseng go amogela. E ne yare baakgela ka go kgaoganya lefelo la boapelo bogolo jang le le dirisang mahura ,bare thuto eo e tshwanetse ya isiwa kwa dikolong tse dipotlana le tse dikgolwane lekwa dikokelong. E ne yare Bagolwane ba tsa botsogo Rre Matshidiso Johane le Rre Gobe Jori batlhalosa dijo tsedi aging mmele bare ke dijo tse ba dijang dibaneela dikota mo mmeleng. Ba ne basupa fa dikgaogantswe ka ditlhopha dile tlhano,dingwe tsa tsone ke tse di dfirilweng ka seako. Basupa gore gase gore fa ore o jele ,o jele bontsing,se sebotlhokwa ke go kabakanya dijo. education 4 Kgosi o rotloetsa dikereke Kgosi Royal Nkomani wa kgotla ya Madikwe kwa Tutume o rotloeditse dikereke go nna le seabe mo tsamaisong ya metse le lefatshe ka kakaretso. Kgosi Nkomani o buile jalo mo bokopanong jwa kabo ya dimpho go tswa kwa kerekeng ya Hermon Apostolic church in Zion. Kgosi Nkomani o ne a re o rata thata fa dikereke di nna lebokao mo matshelong a batho. A re gona le matlhasedi a dikereke tse di tsepameng mo lefokong le gotlhokomela tumelo. Kgosi Nkomani a re dikereke di tshwanetse go rerisaboeteledipele gore ba tshwaraganele tiro kasetshwarwa ke ntsa pedi se se thata. A re ntleng le go rotloetsa poifo Modimo, kereke e bopa setho, setshaba se seratanang gape se amogelana. Kgosi Nkomani a re o rotloetsa dikereke ka gofarologana go nna di phuthega go rapelela motse. Kgosi Nnga Moatswi ene o tlhalositse fa kereke eboloka matshelo. A rego molemo gape gore fa dikereke di batla go ka thusa mo matshelong a batho bamotse ba itsise baeteledipele ba motse pele. Ka go dira jalo ba ka itsisiwebatho ba motse gape ba seke ba tsewe jaaka dirukutlhi. O tlhalositse gore ofitlhela batho ba sa rerise bagogi ba motse mme ba dirisa motse wa bone. Kgosi Moatswi o ne a tswelela ka gore Modimo o segofatsekereke ya Hermon Apostolic Church in Zion ka se ba se dirileng se le molemothata. A re mo ditsong ga go ise go ke go nne le tiro ya go tshwana le e edirilweng ke ba kereke ya Hermon Apostolic Church in Zion, a re o akgolela bakereke eo go bo ba kgonne go tla ko go bone ba bo ba kopa go ba imololamorwalo. A re ka e bile paka e le ya mariga dimpho tsa dikobo di tlaa tlodisabana ba ba di abetsweng serame di ba boloke. O ne a re o ka eletsa mamphemphe adimpho go tswa le ko dikerekeng tse dingwe go bontsha ba bangwe lorato. religion_and_belief 8 Monna o bolailwe ke legadima Monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le boferabongwe o iteilwe ke legadima a bo a tlhokafalela gone foo kwa Shoshong bosheng. Monna yoo, yo o tlholegang kwa kgotleng ya Phaleng kwa Shoshong, go bolelwa fa a ne a na le ba bangwe ka fa tlase ga setlhare mo tshokologong fa tiragalo e e dirigala. Mongwe wa lesika, Rre Kooremile Mosomodi le Rre Goromente Abonne, moswi o ne a na le ba bangwe ba le babedi ba tshabetse letsatsi ka fa tlase ga setlhare sa motlopi mo tshokologong ka nako ya bone. Borre bao ba boletse fa ba ne ba phadimosiwa ke go utlwa legadima le thunya, mme ya re ba tswela kwa ntle ba fitlhela moswi a kotame ka marago e bile a tswa mosi mo sehubeng fa ba bangwe bone ba ne ba tsewa ke sedidi. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Mabotlele a ntsha bana mo dikoleng Banni ba kgaolwana ya Peleng kwa Lobatse ba kgadile bana ba ba sa tseneng sekole ba ikantse go rekisa mabotlele. Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla ya komiti ya ditlhabololo gore bana ba ipopa digongwana ba tsamaya mo mebileng mme e le bana ba dingwaga tsa go tsena dikole. Ba re bana ba, ba ipeile fela mo go rekiseng mabotlele, ba akanya gore ke jone botshelo ja itshetso. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Peleng legare, Rre Phemelo Masisi o ne a tlhalosa fa bana ba ba sa tseneng dikole ba, ba felela e le dirukutlhi. Rre Masisi o ikuetse mo batsading go kganela bana go rekisa mabotlele ka ba tlogela dikole ba re ba ya go itshetsa ka mabotlele e bile o ile a kgala bagolo gore ba lese go roma bana go ba selela mabotlolo. Rre Masisi o buile gore bana ba basetsana bone ba pagama diteraka e bile ba setse ba re ke bomme. O kgothaditse batsadi go kgalemela bana le gore ba ba ntshe mo matlotleng a ba iphitlhang mo go one ka ba utswa dilwana ba bo ba di fitlha mo teng. Kgosi Segale Letshele wa Peleng, o boletse gore batsadi ga ba gakolole bana e bile ke bone ba ba rotloetsang go dira dilo tse di duleng mo tseleng. Kgosi o ne a gatelela kgang ya gore batsadi ba tlhokomele bokamoso jwa lefatshe ka go hapha bana mo dilong tse di duleng mo tseleng. O ne a kgothatsa bagolo go ikgalemela gore e re ba kgalema go utlwale. Raboipelego Rre Boikanyo Modise o boletse fa lore le ojwa lo sale metsi. O boletse gore bagolo ba tsisa bana ko go bone ba setse ba senyegile ebile o ne a rotloetsa bagolo gore ba kgalemele bana ba sale bannye gore ba seka ba ba palela. Raboipelego o ne a bolela gore bana ba ka kgonwa ba tsenngwa mo tseleng fela fa batsadi ba ka ikopanya go sena ope yo o ba ikgatholosang. O ne a bolela gape gore batsadi ba na le go ikgatholosa ditiro tse di sa siamang tsa bana ba re bone ga gona gope fa ba tsenang teng. O ne a supa gore ke molato go dira jalo ka go tshwana fela le fa ba rotloetsa borukutlhi. Rralekgotla, Rre Maburu Monabana ene o boletse gore bana ba Peleng ba ditlhapa mo ba felelang ba tsenya bagolo mo teng. O ile a kgothatsa batho go tla diphuthegong tsa kgotla ka makatlanamane ka a ne a supa fa a ngongoregela gore banni ba Peleng ga ba tle diphuthegong fa di biditswe. BOKHUTLO society 9 Mosadi o ipolaetse kwa Sekgoma Mapodisi a Serowe a tlhotlhomisa tiragalo e mo yone mosadi wa dingwaga tse di fa gare ga masome a mararo le botlhano le masome a mane a ikgapetseng botshelo kwa kokelong ya Sekgoma Phukwi a le lesome le borataro. Mookamela mapodisi a Serowe, Superintendent Molefe Molefe, o a re mosadi yo, o ne a robaditswe kwa kokelong ntateng ya bolwetse jwa khupelo. A re o ne a tsenngwa lebotlolo la go mo thusa go hema, mme go belaelwa a diritse lethombo la lone go ikaletsa. Supt Molefe o tlhalositse fa ditlhotlhomiso di tsweletse. Mo dikgangnnyeng tse dingwe, Supt Molefe o boletse fa go nnile le kotsi ya koloi ya mogobagoba e mokgweetsi wa yone a neng a latlhegelwa ke taolo ya koloi mme ya menoga fa e tsena ka Serowe. A re e ne e pegile dikgomo di le masome a robabongwe, ga a swa di supa, dingwe tsa robega fa tse dingwe di ne tsa ya le naga. O boletse fa mokgweetsi a ne a bona dikgobalo tse di potlana. Supt Molefe a re dikgomo di ne di tswa Motokwe kwa kgaolong ya Kweneng di ya polasing kwa Makoba. A re malatsi a boitapoloso a ne a ritibetse. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Dikole tsa bananyana ke motheo o o lolameng Mopalamenete wa Lentsweletau/Mmopane, Rre Vincent Seretse, a re thulaganyo ya go tlwaetsa bana ba ba tlaa simololang mophato wa ntlha wa sekole (reception) o tlhoka thulaganyo e e tsepameng. Fa a bua mo diphuthegong tsa go lekola dikole tse di potlana tsa kgaolo ya gagwe le go abela baithuti dipene le dibuka kwa Hatsalatladi le Mahetlwe, Rre Seretse o tlhalositse fa thulaganyo e, e le maikaelelo a go baakanyetsa bana bokamoso ka thuto e e nang le boleng. Rre Seretse, yo gape e leng tona wa peeletso, papadi le madirelo, o tlhalositse fa a tlhobaetswa ke gore go tlhoka thulaganyo e e tsepameng, go ka ama maikaelelo a go tokafatsa maduo.O ne a gwetlha bodiredi jwa thuto go betla methale e e haphagileng e e ka thusang thulaganyo ya go tlwaetsa bana sekole go atlega. Rre Seretse o kaile fa lephata la gagwe le rotloetsa thata tsamaiso e lolamemng ya thuto ka jaana le ikaegile ka thuto go betla barutegi ba ba ka thusang mo tlhabololong le kgolo ya itsholelo ya lefatshe leno.Mothusa mogokgo kwa sekoleng sa Mahetlwe, Mme Esther Maotonyane, o kaile fa thulaganyo e, e ka kgoreletswa ke tlhaelo ya ditlamelo di tshwana matlwana a boitiketso le a borutelo. Mme Kgomotso Kooagile mogokgo kwa sekolong sa Hatsalatladi a re go botlhokwa go netefatsa gore ke dife dikolo tse di ka amogelang bana go lebilwe ditsompelo tse di leng teng.Mme Kooagile o supile fa go na le tokafalo ya seemo sa maduo. Are se se santseng se tshwenya, ke botsadi jo bo ikgatholositseng thuto ya bana, a supa fa katlego ya sekolo mo nakong ya gompieno, e ikaegile ka bogogi le bodiredi.Mookamela thuto mo kgaolong ya mokwena Rre Benson Rauwe a re dikolo dingwe di itlamile go amogela bana le mororo thaelo ya ditlamelo e tshwenya. O kaile fa ba tsere tshwetso e, ka go lemoga botlhokwa jwa go baakanya ditlamelo tsa pula go sale gale.Le fa gontse jalo, Rre Rauwe o gwetlhile botsamaisi jwa dikolo tse di potlana tsa Kweneng go tokafatsa tsela e ba dirang dilo ka yone mo tsamaisong ya thuto le go itlama go tokafatsa maduo. education 4 Manyena a dikgomo mmammane Barui ba kgaolo ya Robelela ba gakolotswe go rwesa dikgomo tsa bone manyena go ba baya mo maemong a mantle a go ka letlelelwa go rekisa nama ya dikgomo tsa bone kwa mmarakeng wa Europa. Se se builwe ke mogolwane go tswa kwa lephateng la bakenti mo kgaolong ya Selebi Phikwe, Dr Jaone Sebina, fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Robelela bosheng. Dr Sebina a re melao ya mmaraka wa Europa e supa fa ba tlaa reka nama ya dikgomo tse go nang le motlhala wa gore ke tsa ko kae fela. A re manyena a dikgomo ke nngwe ya tsela ya go supa motlhala gore dikgomo kgotsa nama ya tsone e tswa kae. O ne a tlhalosa gore manyena a dikgomo a na le dinomore tse di supang gore kgomo e tswa mo kgaolong efe gape ke ya ga mang. A re ka ngwaga wa 2016 ba ne ba isa kopo kwa International Animal Health Organisation go kopa gore kgaolo ya Zone 7 e bulelwe gore barui ba kgone go rekisa dikgomo kwa mmarakeng wa mafatshe morago ga go lwantsha le go emisa bolwetse jwa tlhako le molomo. O ne a supa gore fa kopo e ka atlega botshelo jwa kgaolo ya Zone 7 bo tlaa tokafala ka go tlaa rekwa dikgomo ka tlhwatlhwa e e nametsang mme a kopa barui go rwesa dikgomo tsa bone manyena ka kgomo nngwe le nngwe e tshwanetse go nna le sesupo sa gore ke ya ga mang gape e tswa mo kgaolong efe. O ne a tlhalosa gore ba abetse barui ba le 182 manyena a le 3380 mme dikgomo di le 1984 di rwesitswe manyena mme seo se a thobaetsa ka go supa fa manyena a le 1396 a sa rwesiwa dikgomo mo go ka busetsang maiteko a go bulela Zone 7 ko morago. Dr Sebina o ne a akgola barui ba Robelela ka ba rwesitse dikgomo tsa bone ka palo e e botoka go na le mafelo a mangwe a a mo kgaolong ka selekanyo sa masome a matlhano le bongwe mo lekgolong mme a ba kopa go fefosa go rwesa tse di setseng. O ne a kopa barui go kopa manyena nako e sa ntse e le teng ka ba emisa go aba manyena kgwedi ya Seetebosigo e tlhola gangwe mme e bile kgwedi ya Tlhakole fa e tlhola gangwe ba tlaa emisa go ntsha diteseletso tsa motsamao wa leruo mo dikgomong tse di senang manyena. Dr Sebina o ne a tswelela a re, e le lephata ba lekile ka bojotlhe jo ba ka bo kgonang go lwantsha bolwetse jwa tlhako le molomo ka go nnile le tlhagogo ya bolwetse joo mo motseng wa Robelela ka ngwaga wa 2011. Mogolwane kwa BMC, Rre Goitsemodimo Dintsi, a re mmaraka wa Aferika Borwa le Angola o setse o beeleditse nama ya Botswana mo go supang kgolo mo mmarakeng. O ne a supa gore kgwedi ya Tlhakole e tlhola malatsi a le lesome le boferabongwe e le ba BMC ba tlaa simolola go amogela dikgomo kwa kwarantining mme a ba kopa go di isa ka bontsi ka phulo e le ntsi e bile dikgomo di tlaa nna le nama mme a ba solofetsa go ba duela mo malatsing a a14-21. Barui ba ne ba supa tshwenyego ya manyena a a sa gorogeng ka nako le go tlhoka sedirisiwa sa go rwesa dikgomo manyena mme ba kopa go thusiwa go fefosa tiro eo le go fitlhelwa ke ba mmaraka wa mafatshe ba le malala a laotswe. Ba ne ba kopa gore terata ya molelwane e tlhokomelwe ka go se nneng jalo seo se folodisa ditoro tsa bone tsa go nna se go tweng ke green zone mme ba kopa puso go oketsa itshireletso le bodiredi. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Moyo o itshetsa ka tiro ya diatla Ka gotwe e a re go tlogelwa tsatsing se ikise meriting, seo ke se se dirilweng ke Rre Fanuel Moyo (52) wa letso la Sezezuru kwa Serowe. Ka go lemoga fa ditiro di thapa ba ba iteilweng letsogo, a ja marapo a tlhogo go bona gore o dira eng go tshetsa ba lelwapa la gagwe, ka ene a ise a kopane le sekwele gope. Mo potsolotsong le O dira dilo di le mmalwa go balelwa dibata tsa disenke, matshego, ditafole, diforomo, matlwana a disenke, ditomo tsa ditonki le dipitsa le tse dingwe. Ntswa a ithutile ka go lebelela batsadi, mo bogompienong tiro ya ga Rre Moyo e mo diretse leina mo Serowe, ka a dira dilo ka botswapelo, selo se a reng ke sone se thusitseng gore kgwebo ya gagwe e bo e dira sentle. A re kgwebo ya gagwe e a gola ka barotloetsi ba gagwe ba bolelela bangwe ka bone ka tiro ya gagwe. O simolotse ka 1976 a le dingwaga di le lesome le boraro go simolola go sega disenke. Mogwebi yo o simolotse a rekisetsa kwa Lobatse mme a hudugela kwa Serowe, mme bo gompienong o rekisetsa le kwa Thabala gaufi le Serowe. Rre Moyo a re kgwebo ya gagwe e mo thusitse go tsenya bana sekole, a nyala a bo a ikagela mosasana. O boletse fa balemi-barui ba ba beileng mo temong le thuo ba nna le mathata fa dipula di sanne sentle jaaka monongwaga, a bolela fa ene ya gagwe kgwebo e tswelela fela le fa pula e seyo. A re ga a lale ka tala ka kgwebo ya gagwe e tsenya madi letsatsi le letsatsi, ntswa a na le batho ba ba rekang ka sekoloto mme e re kgwedi e fela ba mo duele go sena tsapa le fisang pelo. O rotloeditse Batswana go ithuta go dira ka diatla ka gore ditiro tse di kgethegileng tse ba di batlang di le boutsana. A re go itirela ka diatla go a busetsa fa o go dira ka bopelotelele. economy_business_and_finance 3 Bobonong o tshegeditse serodumo sa dikhwaere Bobonong ke mongwe wa metse e e itsegeng ka mmino wa dikhwaere.Fa a bua mo potsolotsong, moeteledipele wa setlhopha sa Bana ba Nare, Rre Mmabaledi Moseki a re bontsi jwa dikhwaere kwa Bobonong di sa ntse di na le tatso le moribo wa bogologolo. O tlhalositse fa moribo le tatso eo e le sesupo sa gore Babirwa ba sa ntse ba tshegeditse ngwao, a tlatsa ka gore metswako e e dirwang mo dikhwaereng mo malatsing a gompieno ke yone e dirang gore serodumo sa dikhwaere se wele kwa tlase. A re dinaka, diphala ga mmogo le dithupa ke dingwe tsa dilo tse di neng di dirisiwa bogologolo mo dikhwaereng ka jalo a supa fa dikhwaere tsa Bobonong di sa ntse di tshegeditse selo se.Rre Moseki a re go wela tlase ga serodumo sa dikhwaere go ne ga mo gwetlha go tllhama setlhopha se se bidiwang Bana ba nare maikaelelo e le go tshegetsa ngwao ya Setswana e go lebegang e nyelela. A re setlhopha sa Bana ba Nare se tlhamilwe ka ngwaga wa 2010 ka maloko a le masome a mararo le botlhano.O kaile fa setlhopha se, se dira bontle thata mo dikgaisanong tsa ga Tautona tsa dikgaolo (constituency competitions) le fa ntswa se ise se ke se fetele kwa pele kwa dikgaisanong tsa malatsi a ga Tautona (president's day competitions). Rre Moseki a re setlhopha sa gagwe se setse se kile sa ikgapela madi mo dikgaisanong tsa ga Tautona tsa dikgaolo mme e bile ka one madi ao, a kgonne go thusa setlhopha ka kapari ya bodiragatsi.O tsweletse a supa ka gore setlhopha sa Bana ba nare se inaakantse gape le go diragatsa mo meketeng ya manyalo le mo ditaletsong tse dingwe fela ka go farologana. Rre Moseki o galaleditse Tautona wa lefatshe la Botswana go bo a dirile mananeo a a thusang go ribolola ditalente tsa banana, a tlatsa ka gore bangwe banana ba setse ba kgona go itshetsa ka tsone ditalente tseo. O supile fa mananeo a, a kgonne go ntsha banana mo mekgwatheng,majalweng le mo go direng ditiro tsa borukutlhi. arts_culture_entertainment_and_media 0 Bakereki ba kgothadiwa go tlotla bagogi Mookamedi wa kereke ya Assemblies of God (Kamo le Kamo), Moruti George Mokaedi o kgothaditse balatedi ba dikereke go tlotla bagogi ba bone jaaka baruti le babusi e le ntlha nngwe ya go direla Modimo. Moruti Mokaedi o buile jalo fa a ne a bula semmuso dithuto puisano tsa banana tsa kereke ya Unity (ERP) di remeletse mo ditlhabololong tsa Kanye ka malatsi a boitapoloso a ga Tautona. Moruti o boletse fa sepolotiki sa go kgalana se gaketse, mo dikereke di lwang di kubetsana mo pepeneng mo tse dingwe di thubegang go dirwa tse disha. O boletse fa dikereke di runya mo go tsitsibanyang mmele, se se makatsang e le gore go obamelwa Modimo o le mongwe fela. O kgothaditse bakereki gore ba tlotle dikgosi, ba boife Modimo ba bo ba tlotle babusi ka ba beilwe ke Morena. “Ratanang jaaka Modimo a lo ratile gore go nne le tswelelopele mo dikerekeng; fa lo dira jalo lo tla atlega thata ebile modimo o tla le okeletsa masego le matlhogonolo. Ntshang sengwe le sengwe se le nang le sone gore masego le o ne a lo sale morago,” ga bua jalo Moruti Mokaedi. Moruti o tlhalositse fa batsadi ba sa rute bana sentle, ba ba ruta go timana, go seba le go tlhowa bagogi, a bolela fa Modimo o sa rate seo. O boletse fa go tlotla motho yo mongwe e le go tlotla modimo ka gore motho o bopilwe mo setshwanong sa gagwe.A re Botswana o rena kagiso ka ntata ya tlhotlheletso ya mowa wa modimo mo bagoging. O ba kgothaditse gore ba ipele ka dikereke tsa bone ebile ba tsamaye ba bua ka Modimo le dikereke tsa bone gongwe le gongwe, mme ba bua ka molemo. Le fa go ntse jalo, kereke ya Unity mo Kanye, e tshwaragane le namane e tona ya go aga kereke e kgolwane mo Kanye, ba lomaganya ka meamuso e tlhaela. Ba ne ba gopola mosimolodisi wa kereke eo, Moitshephi Edwin Kenaleeng Katjipaha yo o tlhokafetseng mo dingwageng tse tharo tse di fetileng. religion_and_belief 8 Mosadi sebopiwa sa botlhokwa Bomme ba gakolotswe go itse fa ba le dibopiwa tse di botlhokwa mo botshelong ka e le bone pinagare ya setshaba. E rile ba bua kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la bomme kwa Siviya mo kgaolong ya Bokone Botlhaba bosheng, dibui ka go farologa ba supa fa bomme e le bone dipilara tse di tshegeditseng matshelo a bana le a borre tota. Sebui sa tlotla kwa meletlong oo, eleng modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba gape e le mokhanselara wa Matsiloje, Mme Florah Mpetsane o ne a kaya fa bomme ba le mabogodika, a kaya fa le mo mosepeleng wa ditlhabololo tsa lefatshe ba nna ba tsaya karolo e kgolo. Mme Mpetsane o ne a supa fa mo Bokone Botlhaba go na le bomme ba le makgolo a mabedi le masome a matlhano le botlhano ba ba inaakantseng le lenaneo la nyeletso lehuma, e le gone go leka go tlhabolola matshelo a bone le ba malwapa a bone. Ka jalo modulasetilo o ne a gwetlha bomme go tswelela ba tshwere ka thata mo go sepe fela se ba inaakanyang le sone, a re seo se ka thusa gore ka 2036 go bo go na le maungo a a itumedisang. Le fa go ntse jalo, Mme Mpetsane o ne a supa fa kgokgontsho ya bomme le basetsana e santse e le kgwetlho e tona e gantsi e nnang le seabe mo go palediseng bomme go itirela matshelo, a re dipatlisiso tsa ba lephata la bong di supa fa bomme e le bone ba angwang thata ke kgokgontsho ya go ketekwa le ya maikutlo. A re ka moo, go mo maruding a mongwe le mongwe go leka ka bojotlhe go nyeletsa kgokgontsho ka gotlhe mo ba ka go kgonang. Mme Mpetsane a re go botlhokwa gore bana ba rotloediwe go dirisa botswerere jwa bone gore ba tsoge ba kgona go itshetsa ka jaaka bagaka ba tshwana le Mme Amantle Montsho. Mogolwane go tswa kwa ofising ya tsa bong kwa Francistown, Mme Dorcas Mgdla o ne a tlhalosa fa bomme ba tswa goolowe ba nna le seabe mo mererong ya ditlhabololo tsa setshaba. Ka jalo Mme Mgdla a re maikaelelo a letsatsi leo ke go ba fa sebaka sa go itshekatsheka go lemoga ka fa ba tsweletseng ka teng ga mmogo le go bona gore go ya pele dikgwetlho tse ba kopanang natso di ka rarabololwa jang. A re maikaelelo a mangwe ke go leka go tla go abelana megopolo le go ngokela borre mo dikgannyeng tsa go rotloetsa bomme le basetsana, bogolo jang go lebeletswe dikgang tsa kgokgontsho ya bong. Fa a tswa la gagwe, Mme Caroline Setshego go tswa kwa lephateng la botsogo o ne a tsibosa bomme go ikela tlhoko mo dikgannyeng tsa botsogo, a supa fa e le bone ba gantsi ba angwang ke malwetse ka go farologana. A re go botlhokwa gore ba nne ba kopa bogakolodi kwa go ba ba lebaneng ka dinako tsotlhe fa ba na le sengwe se se ba tshwenyang, go tila gore ba felele ba amilwe ke malwetse mangwe. Mme Setshego a re bomme ba tshwanetse ba ithuta go ikemela ka dinao, a re le bone ba tshwanetse ba tsaya ditshwetso mo dikgannyeng tsa tlhakanelo dikobo go na le go nna ba tseelwa ditshwetso ke borre, a supa fa seo se ka fokotsa kanamo ya malwetse a tlhakanelo dikobo. Mo go la gagwe, Mme Thandie Malebang go tswa kwa Women’s Personal Development o kopile bomme go emelelana le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo botshelong, ba leke go batla methale e ba ka inonontshang ka yone. A re boleng teng jwa bomme bo tshwanetse ka dinako tsotlhe jwa bonala mme e bile e le jo bo eletsegang. Mokhanselara wa kgaolwana ya Siviya, Rre Bakani Badziili a re letsatsi leo le botlhokwa ka jaana le thusa go bula batho ditlhaloganyo mme ba kgone go fetola ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng. Mokhanselara Badziili o ne a gwetlha bomme go emana nokeng, a re go le gantsi mo mehameng ka go farologana bomme ba felela ba saletse kwa morago ka go bo ba sa emane nokeng. society 9 Lontone e ama matshelo a batho Kereke ya UCCSA e e itsegeng ka leina la Lontone mo Selebi Phikwe e ne e tshwere moletlo wa dijo go kokoanya madi a ka o ne ba tlaa bong ba thusa batho ba ba kobo di magetleng. E rile a amogela baeng, Moruti Thatayaone Keimetswe wa kereke ya Lontone kwa Selebi Phikwe a tlhalosa gore kereke ya UCCSA e na le makalana a le marataro e leng, Lephoi, Lesoso, Kolobeng, Moeding, Matsha le ya Bojanala, a supa fa ya Selebi Phikwe e wela ka fa tlase Lephoi. Moruti Keimetswe a re kereke ya bone e dumela mo go ameng matshelo a batho mo moweng le mo nameng, a tlhalosa gore ba tsosolosa mowa wa motho ka go rera lefoko la Modimo. A re ngwaga le ngwaga ba dira ditiro tsa bopelotlhomogi ka go dirisa thobo e Modimo a ba e neetseng. Moruti Keimetswe a re ba setse ba abetse malwapa a le mabedi kwa Botshabelo dijo, e bile ba setse ba simolotse go aga ntlo ya mokaulengwe wa bone go tsosolosa seriti sa gagwe. Moruti o tlhalosa fa ba sa itebaganya le letlhoko la mo Selebi Phikwe fela ka gore e ne ya re mo bogaufing ba abela batho bangwe ba le masome mabedi diaparo kwa Gojwane. E rile a ema kokoano ka lefoko, modulasetilo wa dikereke tsa UCCSA mo Botswana, Moruti Thuso Tiego a tlhalosa gore go botlhokwa go itse letlhoko la motho ka go ikopanya le ene, ka gore ke ene a ka tlhalosang botoka botshelo jwa gagwe le se a eletsang gore a thusiwe ka sone. A re e le ba kereke ya Lontone ba dumela gore ba tshwanetse go fetola botshelo jwa motho ga sennela ruri, ka go mo fa thotloetso ya go ka itirela ka diatla gore a kgone go bona se se yang maleng. Moruti Tiego o rotloeditse maloko a Lontone go tlotla moruti wa bone gore kereke e tswelele pele. Molalediwa wa tlotla mo letsatsing leo, Rre Nonofo Molefhi, yo e leng tona wa dipalamo le ditlhaeletsanyo, o tlhalositse gore thomo ga se ya ga moruti a le nosi. A re tiro e kgolo ya moruti ke go rera lefoko la Modimo fa phuthego e tshwanetse go lemoga letlhoko la mo kerekeng le la setshaba kwa ntle. O kopile maloko go ntlafatsa ntlo ya Modimo go na le kwa malwapeng a bone. Rre Molefhi o tlhalositse gore kereke ke lefelo le e reng go na le letlhoko golo gongwe e thuse. Mopalamente o ne a ntsha dikete tsa dipula di le masome matlhano go thusa mo ditirong tsa kereke. Moletlo o ne o tshwerwe ka moono o o reng ‘Lets Dine and Re-Build the Church’. Bokhutlo religion_and_belief 8 Banni ba gakololwa go lwantsha bolwetsi jwa malaria Banni ba Lerala ba rotloeditswe go tsaya maikarabelo mo go lwantsheng bolwetsi jwa malaria. Fa a bua kwa letsatsing la go ruta morafe ka ditsela tsa go fema go tsenwa ke malaria bosheng, Mme Gaone Mmolainyane go tswa mo lephateng la botsogo le boitekanelo mo kgaolong ya Palapye o ne a kaya fa mo pakeng ya dipula monongwaga kgaolo ya Palapye e ne ya amiwa ke bolwetsi joo. Mme Mmolainyane o ne a bolela fa dipalo tse di gatisitsweng mo kgaolong ya Palapye di le masome a mabedi le borataro go simolola ka kgwedi ya Phalane ngwaga o o fetileng. O ne a re mo dipalong tse di gatisitsweng mo kgaolong ya Palapye, motse wa Lerala o gatisitse boferabobedi go simolola ka kgwedi ya Phalane go fitlha mo nakong eno. O ne a tlatsa ka gore go ne gape ga gatisiwa dintsho di le pedi tsa bolwetsi jwa malaria, e le nngwe kwa motseng wa Lerala le e le nngwe kwa sekoleng sa Moeng. A re ditlhotlhomiso di dirilwe mo malwapeng a ba ba amegileng go sekaseka gore a ba lelwapa ga ba a amega, mme maduo a supa fa ba sena bolwetsi. O tsweletse ka go gakolola setshaba le go ba itsise gore dithuto ka bolwetsi jwa malaria di tsweletse kwa kokelong ya Lerala moso le moso go tsibosa setshaba ka jone. Mme Mmolainyane a re setshaba se ka thibela bolwetsi jwa malaria ka go phepafatsa tikologo le go latlha dithini tse di senang sepe, dithaere tse di kgologolo le tsotlhe fela tse di ka emang metsi a monang o ka tsalelang mo go tsone. A re ba ka tswelela le ka go itshireletsa ka go dirisa dikobamonang (repellants) tse di itshasiwang le tse dingwe, go apara diaparo tse di khurumetsang mabogo le maoto bogolo jang mo maitseboeng. O tsweletse a re go dirisa lesire le le nang le molemo o o bolayang monang le gone go ka thusa fela thata. E rile a tswa la gagwe, Mme Marea July yo e leng moanamisa mafoko mo lephateng la botsogo le boitekanelo, a supa fa bolwetsi jwa malaria bo anamisiwa ke monang o monamagadi o o bidiwang anopheles ka puo ya sekgoa. Mme July a re fa monang o o loma motho yo o nang le bolwetsi o goga madi a a nang le mogare wa malaria o bo o ya go o tshela mo mothong yo o senang bolwetsi ka go mo loma. A re dikai tsa bolwetsi jo ke tlhogo e e opang, go fufula le go sitwa, go feroga sebete, letlhatso le letshololo ka jalo e re fa setshaba se itemogela dikai tse, se seka sa nna le boitseme go tsena mo kokelwaneng e e gaufi go kopa thuso. Mo go la gagwe, Kgosi Sello Moroka III wa Lerala o ne a supa fa a tshwenngwa ke dipalo tse morafe o tsenang diphuthego ka tsone ntswa ba leka go sirelediwa mo diphatseng tse di ba lebaganeng. BOPA health 6 Umbrella for Democratic Change e kopa tlhopo Baeteledipele ba phathi ya Umbrella for Democratic Change ba kopile banni ba Tsabong Bokone go ema phathi ya bone nokeng mo ditlhopong tsa poeletso tsa kgaolwana eo tse di solofetsweng go tshwarwa kgwedi eno e le masome a mabedi le motso. Ba dirile kopo e mo bokopanong jwa phatlalatsa jo ba neng ba bo tshwere mo Tsabong ka letsatsi la Matlhatso kwa gape go neng go supiwa ntlhopheng wa phathi eo Rre Mock Ntau. Fa a ema bokopano joo ka lefoko mookamedi wa phathi ya Umbrella Rre Duma Boko o tlhalositse fa go le matshwanedi gore batho ba kgaolwana eo ba fe Rre Ntau tlhopho ya bone ka jaana e le lebutswa pele la polotiki le le tswang kgakala le mokgatlho e bile a itse letlhoko la kgaolo. O supile gore fa e le gore ba dumela gore ke batho ba ba nang le boleng e bile ba na le ditshwanelo ba tlaa tlhopha Rre Ntau. O tsweletse ka gore Rre Ntau o ba siametse ka gore fa a le ko khanseleng o tlaa nna a kopa puso gore e fe Batswana ditlamelo tsa maemo a ntlha, mananeo a motia e bile a na le bokamoso le gore bagolo ba okelediwe madi a ba a amogelang. Rre Boko o supile fa ditlhopho tseo tsa poeletso banni ba tshwanetse go di tsaya jaaka matlhagolela tsela ya ngwaga wa diditlhopo tsa setshaba tsa 2019. Fa atswa la gagwe Rre Ntau o supile fa a dumela gore o tshwanetse go isiwa khanseleng ka gore o setse a kile a bowa teng ka jalo a sa tlhoke go ya go rutuntshiwa gore khansele e tsamaisiwa jang. O supile fa a tlogetse ditiro dingwe di ise di wele ka nako ya gagwe fa a sa ntse a le ko khanseleng jaaka ya metsi a a letswai le ntswa go na le lefelo le lesha la go tlhatswa metsi. Rre Ntau o supile gape gore o ikaelela go ya go itebaganya le thuto e a reng maduo a yone a ile ko tlase mme o tlaa leka go tshwaraganya batsadi le barutabana gore maduo a kgone go nna a a nametsang. Gone kwa bokopanong joo go ne ga amogelwa maloko a feta lekgolo go tswa mo diphathing tse dingwe tsa sepolotiki go ralala kgaolo ya Kgalagadi Borwa. BOPA politics 7 Mananeo a tokafatsa matshelo Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Tshwaane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Moalafi Sengawane a re mananeo a puso a a akaretsang Ipelegeng, Youth Development Fund, LIMID le a mangwea fetotse matshelo le go boloka seriti sa bontsi jwa banni ba motse oo. O supile fa mananeo ao a thusa thata banni ba motse segolo jang ka le bone go lebega ba nyoretswe go itlhotlhora lehuma. A re bontsi jwa banni ba motse oo ba ne ba tshelela mo lehumeng la nta ya tlhogo ka bangwe ba ne ba sena le fa ba latsang tlhogo mme go tlhangwa ga mananeo go bolokile seriti sa ba le bantsi. A re botlhe ba ba neng ba tsibogela go ikopela le go tlhokomela dithuso tse ba di abetsweng ba kgona go itshetsa ntleng le go ikaega ka ope,mme a kaya fa maiteko a puso a go tlhabolola matshelo a banni ba ba kgakala le ditlamelo a dule tema kwa Tshwaane. A re borre, bomme le banana ba tshologela ka mmetela kwa diofising go ikopela mananeo a a farologanyeng a a itebagantseng le go tlhabolola matshelo a bone.A re o itumedisiwa segolo bogolo ke go bona banana ba supa maikarabelo ka go itebaganya le se se ka ba bolokang le go tsisa pharologanyo mo matshelong a bone. A re go botlhokwa thata gore banana ba e le bone ba amilweng thata ke kgang ya letlhoko la ditiro ba eme ka dinao go ikopela madi a banana ka lenaneo la Youth Development Fund go itlhamela dikgwebo tse dipotlana tse di ka ba tlhamelang mebereko. A re ntswa go na le dikgwetlho dingwe tse di kgoreletsang mananeo a a farologanyeng go dira sentle mme tema e bulegile mo go bangwe ba ba tshwereng ka thata go netefatsa gore mananeo a bone a a atlega,mme ka jalo a gwetlha ba ba santseng ba le maoto a tshupa go emela matshelo a bone ka dinao. Modulasetilo o tsweletse ka go gakolola banni ba motse go tshwaragana le puso le go tswelela ba ikopela dithuso tsa mananeo a puso a kaya fa mowa wa boipelego o le mosola fela thata ka o kgona go tlhabolola le go nyeletsa lehuma mo setshabeng. Le fa go ntse jalo, Rre Sengawane o ne a supa fa kgang ya tlhaelo ya metsi e tshwenya thata kwa motseng oo selo se a supang se kgoreletsa lenaneo la ditshingwana tsa mo digotlong go dira sentle.O kaile gape fa metsi a le letswai ka jalo a sa siamela dijwalo. Modulasetilo o ne gape a supa fa ba tshwenyegile thata ka tlhaelo ya badirelapuso.A re mananeo mangwe a felela a phutlhama ka ntlha ya go tlhoka bogakolodi le kgotlhatso ka fa ba ka a tsamaisang ka teng ka ntlha ya tlhaelo ya bodiredi jwa puso mo motseng. O ne gape a supa fa lenaneo la Ipelegeng le thusa bontsi jwa banni ba motse mme sebe sa phiri e le go salela morago mo go itireleng ditlhabololo tsa sennela ruri ka lone.A re ke gangwe le gape ba ikopela tsa kago ya matlo a badirelapuso ka lenaneo la Ipelegeng mme ba atlega fela mo go tsa go phephafatsa motse ntswa ba na le keletso ya go itirela ditlhabololo. BOKHUTLO politics 7 Monna o itsere ka kgole Mapodise a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome mabedi le boraro wa kgotla ya Thini kwa Tutume a fitlhetsweng a akgega mo ditlhomesong tsa ntlo ya gagwe. Go ya ka mothusa mogolwane wa mapodise a Tutume, Detective Assistant Superintendent Bigboy Nkhwanana, tiragalo eo ba e begetswe Sedimonthole a tlhola malatsi a le masome mabedi le borobabobedi ke ba losika lwa moswi. Asst Supt Nkhwanana a re monna yoo o dirisitse mogala go ikaletsa mme ba ne ba mo ragosetsa kwa kokelong ya Tutume kwa go tlhomamisitsweng a tlhokafetse teng mme a sa tlogela molaetsa. O ne a bolela fa mo go e nngwe tiragalo, ba tshegeditse mme mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le bongwe wa kgotla ya Magapatona kwa Tutume go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le tiragalo e mo go yone losea lwa boimana jwa dikgwedi tse di supang lo fitlhetsweng lo latlhetswe mo ntlwanengya boitiketso. Asst Supt Nkhwanana a re tiragalo eo e diragetse ka Laboraro mme ba ne ba ragogela kwa lefelong la tiragalo go thusa go ntsha losea loo mo ntlwaneng mme lwa ragosediwa kwa kokelong kwa go tlhomamisitsweng lo tlhokafetse. Mo go tse dingwe, o boletse fa go nnile le dikotsi di ka nna tharo malatsi a mararo pele ga go amogelwa ngwaga o mosha mme bapalami ba bona dikgobalo. O ne a akgola batho ba mo kgaolong ya sepodisi ya Tutume a re ba amogetse ngwaga o mosha sentle go rena boitumelo le tirisanyo mmogo le mapodise, e bile ga go a ka ga nna le ditiragalo dipe tse di duleng mo tseleng. crime_law_and_justice 1 Banni ba tshwenngwa ke seemo sa tsela Kgosi Samuel Ramotlabaki wa Gamodubu kwa kgaolong ya Kweneng, a re seemo sa tsela ee tsenang kwa motseng oo go tswa mo go ya Gaborone-Molepolole se ngomola pelo. O boletse mo potsolotsong gore tsela eo ya dikhilomitara di le nne, ga e mo seemong se se siameng. Kgosi Ramotlabaki a re sengwe se se ba kokonelang ke go tlhoka dipalamo tsa setshaba. Kgosi a re bontsi jwa bana ba motse ba tsena dikolo tse dikgolwane kwa Mogoditshane, Gaborone le Molepolole ka jalo ba babalelwa ke mosepele go latela dipalamo kwa tseleng ya A12. O ne gape a kaya fa gangwe le gape banni ba tlhaselwa ke dilalome. O supile fa dingwe tsa dikgang tsa dititeo le go kgothosiwa gone mo tseleng e e tsenang mo motseng tsone di setse di le mo go ba sepodisi. Kgosi Ramotlabaki a re dikgang tsa borukutlhi di busetsa ditlhabololo tsa motse kwa morago ka jalo morafe o tshwanetse go tshwaragana go bo lwantsha. O tlhalositse fa go santse go na le maidi a banana ba motse aa inaakantseng le go goga motokwane le go tlhoka tsebe selo se a kaileng fa se sa siamela isago ya bone. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Molaodi o kopa bogogi go tsena diphuthego Molaodi wa kgaolo potlana ya Tutume, Rre Michael Chilimba a re ga a itumedisiwe ke baeteledipele ba maphata ba ba sa tseneng diphuthego tsa dikomiti tsa maphata. Mo phuthegong ya komiti ya District Extension Team kwa Tutume ka Laboraro, Rre Chilimba o tlhalositse fa a tswa kgakala a bua ka kgang ya badirela puso ba ba sa tsibogeleng diphuthego tsa dikomiti mme a bolela fa a kwaletse batho makwalo ka jalo a ka se ba latele mo diofising tsa bone go ba kopa go tla bokopanong. O tlhalositse fa a tla isa maina a ba ba sa tseneng bokopano jwa dikomiti tse di mo kgaolong kwa ofising ya mokwaledi mogolo wa lephata la dikgaolo le tlhabololo matshelo a selegae go tlhalosa mathata a bone. O gwetlhile baeteledipele bao go nna le boikarabelo, a re gangwe le gape go supiwa fa kgaolo potlana ya Tutume e saletse kwa morago mo go ntsheng maduo mme seo se dirwa ke gore go na le bangwe ba ba gogelang kwa morago ka jalo go dige kgaolo. O ba kopile go itsolopanya go dira ba le seopo sengwe go ntsha kgaolo mo seemong se e lejwang ka sone. Mo komiting eo ya DET maphata ka go farologana a tshwanetse go bega ka fa a tsweletseng ka teng. E re ka go na le ka fa ba rulaganyang pego ya bone ka teng, bontsi bone bo sa sala tsamaiso morago mme ba letlelelwa go ntsha dipego tsa bone fela ba bo ba laelwa go di baakanya go tsamaelana le tsamaiso ya go kwala pego ya teng. Mogolwane wa lephata la dipagamo le ipabalelo tseleng kwa Tutume, Mme Malebogo Seodubeng a re ba lebanwe ke kgwetlho e tona ya batho ba ba ikopelang ditlhatlhobo ba sa ithuthuntsha. Mme Seodubeng a re bothata joo thata bo mo go ba ba ikopelang go kwala matshwao a tsela, a supa fa mo bathong ba le 334 ba ba neng ba ikopetse go kwala, go fentse ba le masome a marataro le bongwe fela fa ba le makgolo A mabedi le masome a supa ba sa dira sentle. A re gape ba na le bothata jwa motlhatlhobi wa dipale le wa tsela jalo go tsaya lobaka go dira ditlhatlhobo tsa go nna jalo ka ba ikaegile ka ba Francistown ba le bone ba thusang toropo ya Sowa le Kasane. Molemisi wa kgaolo ya Tutume, Rre Thomo Rantsudu o boletse fa go na le balemi ba ba iseng ba tseye madi a bone a temo a ngwaga o o fetileng. A re banana ba kgaolo ya Tutume ba dikile ba lemile ka dipalo tse di kwa godimo thata ka go supile fa ba le 1386 ba lemile ka 2013/2014. Molemisi o ile a bolela fa ba setse ba amogetse dikgetsi tsa mmidi di le lekgolo le masome a marataro le menontshane mme di emetse balemi go tla go paka. A re gape ba nale thulaganyo ya tiriso ya maranyane go romelela balemi melaetsa ka megala ya letheka go ba sedimosetsa ka methale e mesha ya temo. Mokwaledi wa khansele potlana ya Tutume, Rre Lawrence Mazinyane o akgotse ba ba kgonang go tla bokopanong jwa dikomiti fela thata. Rre Mazinyane o rotloeditse tshwaragano le tirisanyo mmogo go isa kgaolo kwa pele. O ba kopile go sala tsamaiso ya go dira pego morago mme a supa fa go tlhaela thuto gore bodiredi bo tlhaloganye ka komiti eo ka jalo a tlhalosa fa go tlhokana le thuto-puisano go ka ba baya mo leseding.BOKHUTLO politics 7 Mo-tlhoka pono o bona thuso Khamphani ya CA sales & Dafin Distribution e thusitse rre mongwe wa motlhoka-pono kwa Lotlhakane East ka go mo gokelela pompo ya metsi e e lopileng madi a a fetang P3 000. Pompo eo e ne ya rolelwa Rre Tumelo Keabetswe semmuso ke mogolwane wa khamphani eo, Rre Job Aabobe ka mafelo a beke. Rre Aabobe o tlhalositse fa badiri ba khampani eo ba dirile ditso, ka jaana e le la ntlha ka fa tlase ga boeteledipele jwa gagwe mo dingwageng tse di fetang lesome, ba otlolola seatla ka boithaopo go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng, mme a ba akgolela tiro eo. Rre Aabobe a re go botlhokwa go gopola batho ba ba sa kgoneng go itirela sepe, mme a tshepisa badiri bao fa a tlaa tswelela a ba ema nokeng go thusa setshaba fa go tlhokegang teng, a gatelela ka go re ke mowa o montle go lemoga motho yo o nang le botlhoki ka go mo tswa thuso. A re kwantle ga badiri fela khamphane eo e tswa kgakala e thusa batho ba ba nang le botlhoki, e le go diragatsa lengwe la matshego a setshaba la tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala. E ne e rile go le pele mogolwane yo o lebaganeng le go bapatsa khamphani eo, Rre Marvin Mmolai a tlhalosa gore Rre Keabetswe o bone thuso eo ka ntlha ya mongwe wa badiri ba khamphani eo yo e leng moagisanyi wa gagwe ka go tlhaba mokgosi a bolela fa rre mongwe yo e leng mo-tlhoka pono a sokodisiwa ke letlhoko la metsi. Rre Mmolai a re boikuelo joo bo ne jwa amogelesega, mme badiri ba simolola go ithaopa ka go ntsha mo kgetsing se ba nang naso gore ba kgone go gokela pompo ya metsi. Rre Mmolai a re ba ne ba begela boeteledipele jwa khamphani ka maikaelelo a bone mme ba ba ema nokeng. A re ke ka moo ba kgonneng go fitlhelela maikaelelo a bone. Fa a amogela mpho eo, Rre Keabetswe o tlhalositse fa a itumetse. A re letlhoko la metsi mo lapeng la gagwe e tlaa nna dikgang tsa maloba, le fa gone pompo eo e ne e ise e ntshe thothi. Rre Keabetswe a re o ntse a sokodisiwa ke metsi a thusiwa fela ke baagisanyi kgotsa ka go beeletsa mo maribeleng fa pula e na. Mme Bontle Seshabo yo e leng motshola madi a komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Lotlhakane East, o lebogetse mpho eo, mme a kopa badiri ba khamphani eo go tswelela fela jalo ka mowa wa kutlwelobotlhoko go thusa setshaba ka kakaretso, a gatelela ka go re go bo ba thusitse mo-tlhoka pono ke tiro e tona thata. Mokhanselara wa Lotlhakane East, Rre Patrick Mosimanegape o tlhalositse gore motse wa Lotlhakane East o apesitswe ke letlhoko la metsi, selo se a reng se a mo tshosa gore gongwe pompo eo e tlaa fetoga letlotla mme maiteko a CA sales & Dafin Distribution a tloge a fetoge lefela. BOPA society 9 Botsogo ke jwa botlhe-Makgalemele Mothusa-tona wa lephata la Botsogo le Boitekanelo, Rre Dikgang Makgalemele o ne a etela kgoro ya molelwane wa lefatshe leno le Zimbabwe ya Ramokgwebana, kgwedi eno e le masome a mabedi le botlhano. Rre Makgalemele o ne a nna le sebaka sa go lekola makalana a a kwa molelwaneng oo, gammogo le le leitebagantseng le dikgang tsa botsogo la Port Health, le le simolotseng go dira kwa molelwaneng wa Ramokgwebana ka ngwaga wa 2013. Fa a buisa baemedi ba makalana ao, Rre Makgalemele, yo gape e leng mopalamente wa kgaolo ya Shoshong o ne a tlhalosa fa maikaelelo a loeto loo, e le go bona fa ba direlang teng. A re gape o ne a tsile go lekola ditirelo tsa botsogo le go itemogela dikgwetlho mmogo le go itse ditirelo tse di fiwang batho ke lephata la gagwe kwa molelwaneng. Puso e ne ya tswa ka mogopolo wa go tlhoma di Port Health kwa mafelong a batho ba tswang le go tsena mo lefatsheng leno jaaka mapalamelo a difofane le melelwane, go leka go thibela dithoto tse di ka nnang le botlhabetsi mo botsogong jwa batho go tsena mono. Ka jalo Rre Makgalemele o ne a gwetlha bodiredi jwa makalana a a kwa dikgorong tsa melelwane go bereka ba le seopo sengwe go thibela dithoto tse di sa tshwanelang tsena mo lefatsheng leno. O ne a kaya fa mo ditogamaanong tsa lefatshe tsa bo lesome le motso, lephata la botsogo le itebagantse thata le thibelo mme a re ga le kake la kgona seo ka nosi ntle le tshwaragano le ba na le seabe ba bangwe. Rre Makgalemele o tsweletse a kaya fa mafelo a batho ba tswang le go tsena ka one a tshotse itsholelo ya lefatshe, ka moo a gwetlha bodiredi jwa kgoro ya Ramokgwebana go tswelela ba dira tiro ya bone ka manontlhotlho le ka bonokopila. Mo go tse dingwe, mothusa tona o ne a gakolola badiredi go itlhatlhobela malwetsi ka go farologana ka nako le go itshidila mebele gore ba nne le botsogo jo bo siameng, a tlhalosa fa botsogo e le boikarabelo jwa mongwe le mongwe. Fa a lekodisa mothusa tona, mookamedi wa ditirelo tsa botsogo le boitekanelo kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Rhoda Phindela o ne a bolela fa badiredi ba lephata la gagwe ba ba direlang koo ba lebanwe ke dikgwetlho di akaretsang go tlhoka matlo a boroko mo bangwe ba theogelang ba tswa kwa metseng ya Moroka le Jackalas No 1. Mme Phindela a re seo se baka gore badiredi ba tlhoke go tsena mo tirong ka nako ka jaana le yone koloi ba sena yone mme ba ikaegile ka koloi e e rwalang balwetsi. Mokhanselara wa kgaolwana ya Ramokgwebana, Rre Phikisani Makgetho ene o ne a supa fa tlhaelo ya metsi kwa molelwaneng wa Ramokgwebana e sa jese diwelang. Modiri wa lephata la botsogo le boitekanelo yo o direlang kwa molelwaneng wa Ramokgwebana, Rre Koketso Moupi o ne a tlhalosetsa tona fa boikarabelo jwa bone e le go gapa dithoto tsotlhe tse di sa tshwanelang go tsena mono mme morago ba di tshube ka molelo ka fa molaong kwa lefuting la matlakala la Masunga. A re bontsi ja dithoto tse di gapelwang batho ke dipilisi ka go farologana, ditlolo, dijo tse di sa kwalwang ditaelo dipe le tse dingwe. Rre Isaac Mabuta go tswa mo lephateng la matlhoko a leruo ene o ne a kopa gore go nne le motshine o o tla thusang go tlhatlhoba dithoto, a re seo se ka boloka nako. BOKHUTLO politics 7 Bana ba SOS ba amogetse dihempe Bana ba legae la SOS kwa Serowe ba tla dika ba orile molelo wa mariga ka ba lebenkele la CB Stores mo Serowe ba ba abetse dihempe tsa sekolo. Legae le, le le nang le bana ba le lekgolo le bofera bobedi, le abetswe dihempe dile dikete tse tharo, tse di lopileng madi a ka tshwarang dikete tse thataro le makgolo a matlhano a dipula. Fa a rola dimpho tseo kwa legaeng leo bosheng, Mookamedi wa CB Stores wa kgaolo ya borwa, Rre Ramogama Ngwai o ne a re, ntswa ba tswa kgakala ba na le tirisano mmogo le ba SOS, ba ne ba na le lebaka le le leele ba sa le abele sepe, ka jalo ba bone go tshwanetse go ba gopola. Rre Ngwai o ne a tlatsa ka gore, kwa ntle ga tirisano mmogo e ba nang le yone le SOS, legae le le rekela bana ba bone diaparo ka bontsi kwa lebenkeleng la bone. O tsweletse a re go botlhokwa go fa bana ba motse o lerato gore le bone ba ikutlwe ba amogelesegile mo setshabeng. Modiri wa SOS, yo o itebagantseng le Kokoanyo ya Madi le Ipapatso Rre Robert Bahoni, o ne atlhalosa fa bana ba motse oo e se ba bone fela mme e le ba setshaba ka kakaretso. Rre Bahoni a re, lebenkele le, le mo tseleng e ntle ya go diragatsa maitlamo a 2016, a ‘tshaba e e kutlwelo botlhoko e bile e kgathala ka batho ba yone.’ O ne a leboga lebenkele la CB Stores fela thata mme a kopa gore ba seka ba ipona tsapa go thusa le mo nakong e e tlang. society 9 Mothusa Tautona o gakolola banni go ka tsholofelo Banni ba Rakops kwa Boteti ba gakolotswe go nna ka tsholofelo ya gore leuba le le apereng lefatshe leno le tlaa fokotsega. Mafoko a, a builwe ke Mothusa Tautona Rre Slumber Tsogwane kwa moletlong wa go ipela letsatsi la boipuso kwa motseng oo. Rre Tsogwane o tlhalositse fa ba tepo loapi ba tlhalositse fa dipula tsa ngwaga ono e tlaa nna tse di nametsang go feta tsa ngwaga o o fetileng, ka jalo a ba kopa go nna le tsholofelo ya gore dipula tseo di tlaa fokotsa leuba. E rile a amogela banni, kgosi wa Rakops Kgosi Diane Jacob a kaya fa letsatsi la boipuso e le letsatsi le le kgethegileng mme le tshwanelwa ke go tlotlwa. Le fa go ntse jalo, Kgosi Jacob o ne a supa fa motse wa Rakops e le mongwe wa metse e metona mo kgaolong ya Boteti e e nang le batho ba ba ka tshwarang dikete tse di ferang bobedi, ka jalo a re go maswabi go bo thologelo ya batho e le kwa tlase mo moletlong oo. Mongwe wa bagolo ba motse, Rre Katjapu Theophelus o ne a supa fa motse wa Rakops o simologile o kgaogane ka dithota go ya ka merafe e e fitlhelwang mo go one jaaka Baherero, Bateti le ba Rakopo. Rre Theophelus o ne a tlhalosa fa Kgosi Pusoeng Serogola e nnile ene Kgosi wa ntlha wa merafe yotlhe ya Rakops gore merafe eo e kopane, mme a tlhalosa fa seo e ne e le ka thotloetso ya ba bogosi jwa ga Mmangwato. society 9 Kgari o akgola ba Gerald Estate Kgosi Kgolo wa Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III a re kgotla ke lefelo le bogogi jwa morafe le sepolotoki bo kopanelang teng le morafe go tsaya megopolo le ditshwetso tsa matshelo ka jalo e tshwanetse ya tlotlwa. E rile a bua kwa moletlong wa go ipelela dingwaga tse di lesome kgotla ya Gerald Estate kwa Francistown e ntse e le teng, Kgosi Kgari a akgola banni ba Gerald Estate go lemoga botlhokwa jwa go nna le kgotla. A re mo kgotleng ke gone mo maiteko a tshwana le mephato e e dirisiwang go araba matshwenyego a morafe e rerwang teng. O bile a akgola tshwaragano ya batho ba Gerald Estate a supa gore ke yone e nako tsotlhe e ka fenyang matshwanyego a morafe. A re puso le yone e lemogile botlhokwa jwa tshwaragano ke ka jalo e rotloetsang dilo di tshwana le lenaneo la go itisa mo dikgaolong (cluster policing). Kgosikgolo o bile a gatelela botlhokwa jwa gore morafe o itsane ka a re seo se ka tiisa mowa wa go dira mmogo. Fa a amogela baeng, Kgosi Paul Motshwane wa Gerald Estate o ne a re moletlo oo ga se go ipelela dingwaga tse di lesome fela mme gape ke go leba kwa morago go re ba kgonne eng le gore tse di ba paletseng ba ka di kgona jang. A re moletlo oo gape o tla thusa go kopanya baeteledipele, morafe le badirela puso gore mmogo ba buisane tse di ka thusang motse wa bone go gatela pele. Kgosi Motshwane a re go lemosegile fa mowa wa boithaopo le go itirela o nyelela mme fa go ka nna le tshwaragano mowa oo o ka tsosolosiwa. A re mowa wa tshwaragano o o renang kwa Gerald Estate o kgontshitse kgotla eo gore le fa e le nnye ka dingwaga mo go tse dingwe mo Francistown e bo e kgonne go nna yone ya ntlha go ipelela letsatsi la ngwao le gone tota go ipelela dingwaga tsa ntlha tse di lesome e ntse e le teng. Kgosi Motshwane a re kgotla eo ke yone fela mo lefatsheng leno e e nang le komiti ya tokafatso maduo ke ka jalo ka ngwaga wa 2011 e ileng ya gapa maemo a ntlha le seetsele. Dibui ka go farologana tse di neng di bua ka kgotla ya Gerald Estate go akarediwa le mme Kopano Kesekile ba ne ba akgola boeteledipele ja ga Kgosi Motshwane. Mme Kesekile a re fa ba thibelela mo Gerald Estate ka ngwaga wa 2003 borukutlhi bo ne bo ile magoletsa gammogo le marekisetso a bojalwa a a neng a rekisa bosigo jotlhe mme ka therisanyo le morafe le mapodisi, Kgosi Motshwane a tsenya seemo mo taolong. Mme Keitumetse Mohome yo le ene a neng a galaletsa Kgosi Motshwane, a re bo pelo telele jwa ga Kgosi Motshwane bo thusitse gore ba fitlhelele maikaelo a go keteka dingwaga tse di lesome kgotla ya bone e ntse e le teng. Setlhogo sa letsatsi leo e ne le “Tshwaragano ke phenyo: Mmogo re ka kgona”. Bokhutlo politics 7 Kgosi o kopa gore lefatshe le tlhokomelwe Lepolotiki le le solofetsweng go emela ditlhopho tsa bopalamente jwa Maun Botlhaba, Rre Goretetse Kekgonegile o supile fa ditiro tse 100 000 tse di solofediwang ke lekgotla la sepolotiki la Umbrella for Democratic Change (UDC) di ka kgonega. O buile jalo fa go ribololwa maitlamo a lekgotla la sepolotiki la UDC mo Maun ka Matlhatso. Rre Kekgonegile a re kgaolo ya Bokone Bophirima ka bonosi e na le bokgoni jwa go ka dira ditiro tse di dikete tse di makgolo a mararo. A re e le ba UDC ba ikemiseditse go tlhabolola dikhamphani tsa madirelo le tsa bojanala gore beng-gae ba bone mebereko. A re ba lekgotla la UDC ba tlaa duela babereki le bagodi dituelo tse di botoka tsa P3 000 le P1 500 ka tlhomagano eo fa ba tsaya puso. Rre Kekgonegile a re go ngomola pelo go bo kgaolo ya Nhabe e aperwe ke lehuma ka dipatlisiso di supa fa e le ya boraro mo lehumeng le ntswa e na le meamuso ya di-tsa-tlholego e bile e le boremelelo jwa bojanala. O bile a re kgaolo ya gagwe ya Bokone Botlhaba jwa Maun e na le dikgwetlho tsa dikole tsa dikago tse di makgasa, le letlhoko la metsi le motlakase. Modulasetilo wa UDC, Rre Motlatsi Molapisi ene o ne a gwetlha mapolotiki gore ba seka ba tlodiss kgang ya lefatshe matlho. Rre Molapisi o ne a re e le ba UDC ba tlaa dira tshekatsheko ya lefatshe le le nang le beng mo Botswana mme a re ba ba le filweng ka bokukuntshwane kgotsa ba ba nang le lefatshe le le ntsi thata ba tlaa le amogwa mme le fiwe ba ba se nang lefatshe. O ne a gwetlha Batswana go ya go tlhopha ka Phalane, a re tlhopho ke yone e ka tsisang phetogo. environment 5 Banana ba rotloediwa go ikanya Modimo Banana ba kgothaditswe go ikanya Modimo mo matshelong a bone ka e le ene fela a ka emisang mekgwa e e maswe e gantsi e dirwang ke banana. Moruti wa kereke ya God In Action kwa Mochudi, Rre Isaac Makhoba o buile seo kwa thuto-puisanong ya banana e e neng e rulagantswe ke mapodisi a Kgatleng ka Labotlhano, a tlhalosa fa Modimo a le botlhokwa mo matshelong a batho le ntswa bontsi jwa batho bo sena sepe le one. O tsweletse a re o rotloetsa setshaba go leboga Modimo moso le moso ka ba bo ba kgonne go bona tlhabo ya letsatsi. O tsweletse a supa fa tshaba e e boifang Modimo e le botlhale, a tlatsa ka gore batho ba tshwanetse go nna le botsalano le Modimo ka e le yone tsela e motho a ka tshelang sentle ka yone. Moruti a re batho ba na le mokgwa wa go supa mapodise ka monwana ba tlhalosa fa ba sa dire tiro ya bone mme a re fa batho ba sa ikage ka bo bone ka go tlogela ditiro tsa borukhutlhi le go ikanya Modimo ka nako tsotlhe, mapodise a le nosi ba ka se kgone. A re mongwe le mongwe o tshwanetse go nna lepodise la motse wa gagwe, a supa fa tiro ya baruti le yone e le go sireletsa setshaba se ba direlang mo go sone jalo a re ke sone se se mo gwetlhileng go tla go amogana lefoko le banana mo thuto puisanong eo. Moruti Makhoba a re fa go ka tswelela go tshwarwa dithuto puisano tse di rutang banana go ikgapha mo ditirong tse di makgaphila gongwe ba tla fetola boitshwaro jwa bone. O rotloeditse mapodise go tswelela ba nna le dipitso tseo le fa go ntse jalo a ba kopa gore nako e e tlang ba laletse le banana go tswa mo dikerekeng tse di farologaneng le ba ba sa tseneng dikereke ka e se monana mongwe le mongwe yo o tsenang kereke kgotsa a ineetse mo Modimong. Fa a tswa la gagwe Constable Vincent Mosenye o tlhalositse fa maikaelelo a letsatsi leo e le go amogana dikitso le banana ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo botshelong, le gone go tla go thusana ka fa ba ka lwantshang borukhutlhi ka teng e le banana. E ntse e le kwa thuto puisanong eo, moitseanape wa dikgang tse di amang madi, Rre Calvin Phokontsi o rotloeditse banana go dirisa madi a bone sentle ka go le gantsi batho fa ba bereka ga ba akanye go ikokotletsa madi gonne bontsi jwa batho ba jela fela mo ganong. A re gore motho a nne le botshelo jo bo ka elediwang ke mongwe le mongwe ke fa a kgona go ikokotleletsa. O tsweletse a re batho ka bontsi ba supa fa ba palelwa ke go kokotletsa ka ba re ga ba amogele madi a mantsi mme a re kgang ga se go amogela madi a mantsi gonne le fa motho a amogela madi a a sa lekaneng o tshwanetse go ikitaya ka thupana gore bonyenyane jo bongwe o bo ise kwa bankeng go ikokotleletsa. E ne e rile go le pele fa a amogela baeng, mookamela mapodise a Mochudi Superintendent Olebile Sitale a bolela fa a tshwenngwa ke gore go le gantsi fa ba bitsa dipitso tse mo go tsone ba lekang go lwantsha mathata le go tla ka ditharabololo tsa one, banana ga ba di tsibogele. Ka jalo a re ba bone go le maleba go nna le letsatsi le le itebagantseng le banana ba ba setseng ba bereka go tla go rutana le bone. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Banana ba Matlapana ba emela motse ka dinao Ka Setswana se re mokoduwe go tsoswa o itsosang, banana ba kgotla ya Matlapana ba eme ka dinao ka go nna le maitlamo a go tsenya letsogo mo ditlhabololong tsa motse. Mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa lenaneo le Rre Oarabile Johannes, a re ke lantlha mo ditsong go nna le lenaneo la mohuta o fa e sa kgotla eo e tlhomiwa. A re ba ikemiseditse go tsaya malebela mo metseng e mengwe lefatshe ka bophara, go lebagana le dikgwetlho tse di amang banana di tshwana le letlhoko la ditiro ga mmogo le go tlhabolola matshelo a bone. O ne a tlatsa ka gore ditalente tsa banana ga di felele gope ntateng ya gore ga gona thotoetso le bogakolodi jo bo lolameng, ka jalo ba tla itebaganya le dikgang tsa go tshwana le tseo mme a tlhalosa gore ba tla dira ka bojotlhe gore lenaneo le atlege. Fa a ntsha la gagwe, Mokhanselara wa kgaolo eo Rre Bathoni Poloko a re ka jaanong e le ene moeteledipele, o tla dira go tlala diatla gore lenaneo le le bone phatlha ya mafulo a matalana. Le fa go ntse jalo, Mokhanselara Poloko o ne a ngongoregela boitshwaro jwa bana ba kgotla eo ka dinotagi a re seemo se tsere phekelo e sele.A re banana ba itlhobogile e bile ba fedile tshepo ka go sena se ba se dirang, ka jalo ba tletse mo mebileng. O ne a bo a tlatsa ka gore fa mokgatlho e le ruri o ka atlega, banana ba tla kgona go ithusa ka mananeo a puso ba tlhabolole matshelo a bone.A re se tshwarwa ke ntja pedi ga se thata mme o ne a kopa botsadi jwa motse go ema banana nokeng gore ba tle ba kgone go ya golo gongwe. O ne a gakolola banni ba motse gore mongwe le mongwe yo o batlang kgakololo epe fela, a itse fa dikgoro di butswe bile a tla ba amogela ka tsoo-pedi. society 9 Madi a SHHA a okeditswe Mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Patrick Ralotsia, o rotloeditse Batswana go dirisa lenaneo la go ikagela matlo la SHHA le go okeditsweng madi a dikadimo go lekana le seemo sa ditlhwatlhwa tsa dikago gompieno. Rre Ralotsia o buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla kwa Moshana, Mathubapula le Goora Seno mo kgaolong ya gagwebosheng. Rre Ralotsia o boletse gore fa o atlolosa ntlo e e ntseng e le teng, madi a okeditswe go tswa mo go P45 000 go ya kwa go P60 000. O boletse fa motho a simolola ntlo sesha madi a okeditswe go tswa mo go P60 000 go ya kwa go P90 000. O boletse fa madi a teng a sena morokotso ebile go thusiwa mongwe le mongwe yo o nang le madi a letseno. A re ko mafelong a a ko tengnyanateng jaaka Ghazi ko dilwana tsa kago di turang teng go sekwa sekwa go oketsa madi go fitlha ko go P100 000. Rre Ralotsia, yo gape e leng motshwarela tona wa temo thuo, o boletse fa kago e le botlhokwa thata mo matshelong a batho, Motswana mongwe le mongwe a tshwanetse go ititaya ka thupana go nna le bonno. Le fa gontse jalo go boletswe fa badisa le bomme ba ba dirang mo malwapeng le bone ba thusiwa ka gore ba a bereka. Mo dikgannye tse dingwe o kgotlhaditse banana go ipopa ditlhopha gore ba thusiwe ka mananeo go ithamela mebereko. O boletse fa go dira ka setlhopha go le mosola e bile gole botoka ka puso e thusa botoka. O boletse fa ditiro di sa tlhole di bonwa motlhofo a bolela fa e le nako ya gore ba ikopanye ba akole mananeo.o kopile le balemi barui go ikopanya gore masimo a bone a tle a agelelwe mahala le go phunyediwa sediba. O kgadile mafufa a Setswana a a kgoreletsang boikopanyo, a getelela mo go direng dijo. Ralotsia o buile gape ka molao kakanyetso wa go hetola sekole sa ithutelo tsa temo-thuo sa BCA go nna mmadikolo ya temo-thuo (University). O boletse fa jaanong dikole tsa mohuta oo di tlabo di le tharo mo Botswana. Le fa gontse jalo Ralotsia o kopile balemi barui go dirisa lefatshe le ba le neetsweng le gore fa ba sa le dirise ba le adimana. O kopile gore bana le bogole ba inaakanye le mananeo ka gore le bone ba na le bokgone e bile bangwe go na le mananeo a bone a a haphegileng. Fa ba mongwa dikgaba banni ba metse eo ba lela selelo sa ga Ragele mabapi le tlhaelo ya metse mo metseng ya bone,ba boletse fa diphaephe di thubegile mme di sa baakanngwe. Ba boletse fa ditiro tsa ditlhabololo tsa dikago di eme ka go tlhoka metsi. Banni ba ngongogerile ka bogodu ja leruo mme go utswa bana ba bone. ba kopile gore badiri ba ipelegeng ba okediwe dipalo ba bolela fa e le mosola thata mo ditlhabololong le go ba hira. Ba boletse fa dithuso dingwe tsa mananeo di tsaya lobaka ba ba sekwasekilweng ba isi ba thusiwe. BOKHUTLO politics 7 Bogogi bo lela ka tlhaelo ya melemo Baeteledipele ba toropo ya Selebi Phikwe ba lela ka tlhaelo ya dingaka le melemo kwa kokelong e tona ya toropo eo. Selelo se, se utlwetse mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Selebi Phikwe Bophirima, Rre Dithapelo Keorapetse kwa sekoleng se sebotlana sa Tebogo le kwa kgotleng ya Kagiso bosheng. Mokhanselara wa kgotlana ya Leseding, Mme Phemelo Nthwane o supile fa seemo sa tlhaelo ya dingaka le melemo se tswa kgakala. A re selo se, se pateletsa balwetse go ya go reka melemo kwa marekisetsong le ntswa bontsi jwa batho ba sa kgone ka ba gateletswe ke lehuma. O ne a supa fa e rile mo bokopanong jwa khansele ba kopa gore tona yo o lebaneng le tsa botsogo go tla go kopana le banni ba Selebi Phikwe go ba lekodisa ka seemo se go bonalang se bifela pele, nako kgolo ke eno. Fa a akgela, Mopalamente Keorapetse o ne a supa fa seemo sa letlhoko la melemo se apere lefatshe ka bophara mme a tlaa dira mo a ka go kgonang go itebaganya le seemo seo. O ne a netefatsa fa kago ya kokelo ya Selebi Phikwe e le mo tseleng ka madi a go dirwa ga mealo ya sone a setse a dule. Rre Keorapetse o ne a supa gape fa go tlaa agwa kokelo e ntsha go na le go baakanya e e ntseng se le teng. Mo go tse dingwe Rre Keorapetse o ne a supa fa e rile morago ga go tswalwa ga moepo wa BCL, a kopa gore go okediwe babereki ba Ipelegeng ka dipalo tsa batho ba ba sa berekeng di godile. A re go araba seo, go ne ga okediwa ka batho ba le lesome le boferabobedi mme ga seka ga dira pharologanyo epe e e kalo. O ne a supa gape fa lephata la thuto le emisitse go duelela bana ba ba tsenang kwa dikoleng tse di ikemetseng ba batsadi ba bone ba neng ba bereka kwa mopepong wa BCL ka 2018. Mo go tse dingwe, Rre Moshawa Mathiba go tswa kwa khanseleng ya Selebi Phikwe o ne a supa fa go baakanngwa ga tsela ya Monya Kgwebo e e ralalang toropo e setse go simolotse. Rre Mathiba o ne a supa fa ba ne ba rerisana le ba-na-le seabe ba ba amegang pele ga tsela e simololwa ka ba ne ba lemogile fa dikgwebo dingwe di tsile go amega. O ne a supa fa go dirwa ga tsela eo, gone go solofetswe gore e bo e fedile mo malatsing a supa, mme go ne ga seka ga nna jalo ka ba ne ba kopana le dikgwetlho, ka jalo e solofetswe go wela mo bekeng eno. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Ghani Moses wa kgotla ya Kagiso o ne a rotloetsa batsadi go tlhokomela bana ka nako ya lobelo lwa dikoloi lwa 1000km Toyota Desert Race. Kgosi Moses o ne a supa fa batho ba na le go itumela mo ba felelang ba dirisa nnotagi phetelela mme ba tlhoke boikarabelo. Rre Moreki Nthibo go tswa kwa go ba botsogo jwa tikologo o ne a rotloetsa bagwebi ba babotlana go nna le tsotlhe tse di tlhokafalang mo kgwebong di tshwana le bukana ya diresiti le setempe gore ba kgone go oba letsogo jaaka toropo ya Selebi Phikwe e tsweletse ka go ngoka bagwebi. Rre Nthibo o ne a bua jaana fa a ne a araba dingongorego tsa morafe ka ba ne ba supa fa ditiro tse dintsi tse di dirwang mo Selebi Phikwe di tshwana le 1000km Toyota Desert Race di sa ba sologele molemo jaaka marekisetso a matona. health 6 Sikwane o tshela ka matlhoa E re ka motlapele a boletse a re metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balati, mme mongwe wa Semotswane gaufi le Tonota a re morago ga go kokonelwa ke manokonoko a letlhoko la ditiro o ne a bona go tshwanela go batla motlhala wa go dira madi go ka itshetsa mme a dirisa mpho e a e filweng ke Modimo ya go dira matlhoa le dibaga. Mme Ruth Sikwane yo o ngwaga tse di masome matlhano le boferabobedi a re kgwebo e ya gagwe e a e simolotseng ka 1983 e mo tlodisitse melatswana ka e bile a kgona go itshetsa ntleng le go kopa thuso mo go ope. O tlhalositse fa go dira matlhoa e se tiro e e bonolo jaaka bangwe ba ka akanya. A re ke tiro e e tlhokang bokgeleke le bopelotelele e bile e tlhoka nako. O ne a tlhalosa fa selo se se dirang matlhoa e le seboko se se tlwaelesegile ka leina la lebabane mme se fitlhelwa thata mo setlhareng sa mophane. A re fa phane e ikepela seboko seo sone se iphetola go ka nna sekgaphanyana se se mitlwa. Mme Sikwane o tlhalosa fa bone ba tlaa bo ba emela sekgapha seo gore se omelele pele fa ba ka se bapala. Morago ga go se bapala, a re o se katela mo motlhabeng a se gotlhe ka motlhaba go ka ntsha mitlwa go fithelela se nna borethe. A re go tswa foo o tlaa bo a ntsha mateng a sekgapha seo mme mo boemong jwa one a tsenye matlapana pele ga a ka a rokelela mo teng. Mme Sikwane o ne a tlhalosa gore matlapana ao a tsenyediwa go dira modumo wa matlhoa fa a ntse a tshikhinngwa. A re legato la bofelo e nna gone go a rokelela mo dikgoleng. Dikgole tseo a re di dirwa ka megala e ba e rafolang mo dikgetsing. “Matlhoa a ka dirisiwa dilo di le mmalwa. O ka a dirisa go kgabisa mme tota a tlwaelesegile thata go dirisiwa go bina mmino wa setso jaaka borankana, di hosanna le e mengwe. Bangwe ba a dirisa kwa dikerekeng,” a tlhalosa. E re le ntswa Mme Sikwane a lebogela thekiso e ya matlhoa go ka fetola le go mo fa sebaka sa go ka tshela botshelo jo bo botoka thata le fa a ne a sa bereke, sebe sa phiri ke gore thekiso ga e sa tlhole e tshwana le maloba. A re gompieno matlhoa a tletse gongwe le gongwe ka jaana barekisi ba kana ka thapo tsa leselo. O supile fa a kile a bo a kgona go amogela bareki go tswa Gaborone. A re boleng jwa matlhoa a gagwe bo ne bo itsewe mo e leng gore maSione ba ne ba tsaya matlhoa a gagwe go a rekisa kwa Afrika Borwa fa ba ya Moria. Mme Sikwane a re se sengwe se se fetogileng ke kgwebo e ba neng ba e bona go tswa mo dikoleng. A re dikole ka bontsi di ne di reka kwa go ene mme e sale bodiragatsi jwa diketshe bo ngotlega kwa dikoleng seemo se fetogile. Mme Sikwane a re le fa kgwebo e sa nametse, o leka e mengwe methale ya go dira madi ka go rekisa didirisiwa tsa Setswana, ka jalo bo a sa bo ya pele. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Dikomiti di akgola Kgathi Baduladitilo ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ya Tsetsebye le Moletemane ba akgoletse tona wa banana, metshameko le ngwao go nna matsetseleko mo tirong ya gagwe. Rre Shaw Kgathi o tlotlomaditswe jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa bosheng, mme a akgolelwa go simolodisa lenaneo la Youth Empowerment Scheme (YES) le go tsamaisa metshameko ya dikgaolo sentle. Mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Tsetsebye, Rre Lame Motsamai , a re lenaneo la YES le ntshitse banana ba le bantsi mo mebileng mme a kopa gore le atolosiwe, go tsenya ba ba dirileng dithuto tse dipotlana ka le ne le remeletse mo go ba dithuto tse dikgolwane tsa mophato wa botlhano. Rre Motsamai o ntshitse malebo go bo Rre Kgathi a file dikole tse dipotlana mo kgaolong ya Bobirwa dibolo tse di tlaa rotloetsang kgolo ya metshameko Bobirwa ka bophara. O lebogetse kgokelo ya boranyane jwa dikhomputara kwa metlobong ya dibuka kwa a tlhalositseng fa bontsi jwa bagolo bo setse bo supa kgatlhego ya go ithuta go di dirisa. Kwa Moletemane modulasetilo, Rre Matoto Ramaphane le ene o ne a galaletsa Rre Kgathi ka tiro ya go rotloetsa banana go tsena mo dikgwebong gore ba tsholetse itsholelo ya bone. Morafe wa Moletemane le one wa mo galaletsa mme wa supa fa o itumeletse gore motse o o buseditswe kwa Bobirwa. Fa a tswa la gagwe, mopalamente o supile fa a tshwenngwa ke dipalo tse di kwa tlase tsa banana ba ba ikopelang dithuso kwa lephateng la gagwe. A re metse ya Tsetsebye le Moletemane e saletse kwa morago mo bananeng ba ba ikopelang dithuso, a supa fa toropo ya Selebi Phikwe le yone dipalo tsa yone di swabisa. O rotloeditse batsadi go gakolola bana go dirisa mananeo a puso dingwaga di sa ntse di ba letla ka gore mananeo a puso ga a nnele ruri. Fa a ama metshameko ya dikgaolo, a re e dira gore banana ba le 125 000 ka ngwaga ba tsenelele dikgaisano, se se dire gore ba seka ba inaakanya le botlhokatsebe. Rre Kgathi o rotloeditse batsadi go nna le seabe mo kgodisong ya bana, a re boikarabelo ga bo a tshwanela go tlogelwa mo barutabaneng. O kopile thata banni go ikwadisetsa ditlhopho gore ba tle ba kgone go itlhophela puso e ba e batlang. Rre Kgathi o ne a etetse metse ya Tsetsebye le Moletemane go lekodisa banana ka mananeo a lephatla la gagwe. BOKHUTLO education 4 Itshetseng ka meamuso ya kgaolo - Dikoloti Mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang, Dr Edwin Dikoloti, o gakolotse banni ba kgaolo eo go gweba ka ditsa-tlholego tse di mo kgaolong ya bone. O buile se fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Gathwane bosheng. Mopalamente o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore kgaolo ya bone e itsiwe ka bagwebi ba tlhwatlhwa. A re sengwe sa tse di ka dirwang ke go lema morogo wa thepe. Dr Dikoloti, yo gape e leng tona wa Tlhabololo Temo thuo le Dijo, o tlhalositse fa morogo wa thepe o na le dikotla tse dintsi go feta merogo e mengwe mme ka jalo go le botlhokwa go lema morogo oo. O ba gakolotse gape gore kgaolo ya bone e na le bokgoni jwa go lema ditlhare tsa maungo. Mopalamente Dikoloti a re o tlaa ba abela ditlhare mme a kopa boeteledipele go neela kgosi le bo ralekgotla go simolola go nna le ditlhare tse tsa maungo mo malwapeng go tlhagolela tsela ya gore kgaolo e itsege masimo a ditlhare tsa maungo. Dr Dikoloti o kopile banni go tlhagafalela temo ka e ka batsisetsa khumo mme a ba kopa go dirisa mananeo a puso go godisa temo ya bone. Mopalamente a re ga a jeswe diwelang ke kgang ya letlhoko la ditiro mme a tlhalosa fa ba tla a leka ka bojotlhe go tswa ka methale e mentsi ya go thama mebereko. O kaile fa dijo tsa Setswana le maungo le tsone e ka nna kgwebo e e nonneng, mme e ka tlhabololwa ka go dirisa makalana a tshwana le la NAFTEC. Dr Dikoloti o kopile banni ba kgaolo ya gagwe go ema ka dinao go tlhabolola kgaolo. Banni ba ne ba lela ka metsi le kabo ya lefatshe e ba supang e diega thata, mme a ba thomamiseletsa fa ba itse dikgang tse mme ba leka ka bojotlhe gore seemo se ritibale. O tlhalositse fa a ne a bona go tshwanela gore a tsise makalana a a mo lephateng la temo thuo gore ba tle ba tlhalosetse setshaba ka dikgwebo le mananeo a a ka ba thusang gore ba fenye lehuma. economy_business_and_finance 3 Lekgotla la ditsheko tsa lefatshe le emetse dingongora tsa botlhe Dilelo tsa lefatshe di dintsi mme go botlhokwa go nna le kitso ya gore o le lebisa kae fa o na le dingongora tebang lego ajwa ga lone. Mafoko a a builwe ke Kgosi Boitswarelo Difemo wa Lotlhakane West mo boemong jwa ga Kgosi Oscar Mosielele wa Moshupa mo phuthegong ya kgotla kwa Moshupa ka Mosupologo. Kgosi Difemo o akgotse lekgotla la Land Tribunal a re le tsile ka nako e e maleba, a tlatsa ka go re, bontsi jwa Batswana ga ba na kitso epe ka lekgotla le. Fa a tswa la gagwe, leloko la lekgotla la ditsheko tsa lefatshe kwa Gaborone, Rre Gordon Lecoge, o tlhalositse gore lekgotla le le tlhametswe go reetsa dingongora tsa batho le maphata ka go farologana mabapi le tsamaiso ya kabo ya lefatshe. Rre Lecoge o supile gore lekgotla la kabo ditsha le lone le ka tsenya ngongora kwa diofising tsa Land Tribunal, kgatlhanong le ope fela yo o ikgatholosang tshwetso e lephata la kabo ditsha le e ba beileng pele. O tlhalosa gore lekgotla le la Land Tribunal ke la puso e bile le wela ka fa tlase ga lephata la ditsha le matlo, a tlatsa ka gore Batswana ba le dirise. O bile a tlhalosa gore mongongoregi o tlhokana le go lefa P10 go kwadisa ngongora kwa Land Tribunal. Rre Lecoge o bile a gatelela gore Land Tribunal ga se yone e abang ditsha, yone ee itebagantse le go araba dingongora tse di amanang le kabo ya lefatshe. O supile gore diofisi tsa lephata le, di nne lefatshe ka bophara, e leng Gaborone, Palapye, Francistown le Maun. Rre Lecoge o gakolotse morafe gore ba sale tsamaiso morago, a supa gore mongongoregi a ise ngongora kwa lephateng le legolwane la kabo ya lefatshe (Main Landboard) pele ga e fetela kwa Land Tribunal fa a sa kgotsofalela tshwetso ya bone. Fa a araba mongwe wa batsena phuthego Rre Watson Thibelang, Rre Lecoge o tlhalositse gore fa mongongoregi a sa itumelele tshwetso ya Land Tribunal o na lego ka fetela kwa High Court go ya go feleletsa kwa Court of Appeal. Rre Thibelang o ne a kopile go tlhalosediwa gore fa mongongoregi a sa itumelele tshwetso ya lekgotla la land tribunal, a gona le kgato e mongongoregi a ka e tsayang goya pele. Fa a tswa la gagwe, mothusa kgosi wa Moshupa, Kgosi Mochankana Mokgobosi o ne a leboga lekgotla le, are le butse batho matlho. Fela o ne a supa a le ’bete se molangwana gore diofisi tsa lekgotla le ga di yo mo kgaolong ya borwa a tlatsa ka gore bangwe ba tlaa nna maoto a tshupa go latela ditlamelo tsa lekgotla le kwa Gaborone. Kgosi Mokgobosi o ne a akgola le morafe ka kakaretso gore o bo o tsere matsapa ago tla go itseela molaetsa ka tsebe a tlatsa ka gore dikgang tsa mothale o di siame thata matlho a phage a lebane. Rre Seleboge Jebenyane o ne a leboga Land Tribunal. A re ba tswa bogologolong ba jewa ntsoma ba sa itse fa go na le lekgotla le le emetseng dingongora tsa bone. BOKHUTLO society 9 Baagi ba galalelediwa mowa wa boipelego Banni ba kgotla ya Goo-Kojwana kwa Shoshong ba galaleleditswe go tlotlomatsa mowa wa boipelego ka go itsenyetsa dipone tsa marang a letsatsi. Fa a bua kwa pegong semmuso ya dipone tseo tse tlhano bosheng, motshwarelela tona mo lephateng la tlhabololo banana, metshameko le Ngwao, Rre Dikgang Makgalemele o ne a re go a itumedisa go bona morafe o ikemela ka dinao o sa bee fela mo pusong go ba tsisetsa ditlhabololo. Rre Makgalemele a re go mo itumedisitse thata go bona batho ba ema ka dinao go netefatsa gore ba diragatsa megopolo e a tshelang a e abelana le bone mo diphuthegong tsa gagwe tsa kgotla. “Go utlwisa botlhoko thata fa o le moeteledipele wa setshaba o nna o neela ba o ba eteletseng pele megopolo ya ditlhabololo mme ba sa e diragatse, bogolo jang mo gaeno mme e bo e re o rekisetsa batho megopolo e e tshwanang ntlheng e nngwe ya lefatshe ba bo ba e atla ba e diragatsa ka ponyo ya leitlho,” ga tlhalosa tona. Le fa go ntse jalo, tona o ne a galaletsa banni ba kgotla eo a re mowa wa boipelego ke one o o dirileng setshaba sa Botswana se e leng sone. O ne a tlhalosa fa mmadikole a agilwe ka mowa wa boipelego jaaka Motswana mongwe le mongwe a ne a tsentse letsogo ka moono wa motho le motho kgomo, ka jalo Batswana ba tshwanetse go tsweledisa mowa oo. Rre Makgalemele a re e ne ya re fa e santse e le mopalamente a ntsha mogopolo kwa palamenteng wa gore serodumo sa dikgotla se tsholediwe mme palamente ya o atla. Le fa gontse jalo, o kaile fa go itumedisa thata go bo baagi ba kgotla eo ba eteletse puso pele ka go tsholetsa serodumo sa kgotla ya bone. E ne ya re mo tirong e tona a rolela kgosi mpho ya buka e moono wa yone e leng go ntsha ditogamaano tsa go diragatsa megopolo ya ditlhabololo a bo a ntsha thotloetso ya gore ba thuse puso go nyeletsa lehuma. Rre Makgalemele o ne a solofetsa Kgosi fa a tlaa thusa go isa bangwe dithutong tsa maranyane a marang a letsatsi kwa India gore ba tle ba atolose tiriso ya motlakase wa marang a letsatsi mo kgotleng ya bone le mo Shoshong ka kakaretso. Modulasetilo wa komiti e e neng e kokoanya madi a go tsenya dipone tseo, Rre Puni Sebinyana a re e ne ya re ka 2014, ba nna le phuthego ya kgotla ba tshwentswe ke borukutlhi jo bo neng bo golela pele mo kgotleng ya bone. A re e ne ya re fa morafe o akantshanya wa dumalana ka bongwefela jwa pelo ka dipone tsa marang a letsatsi ka dikgakololo tsa ga tona le ba bogosi. O tlhalositse fa ba ne ba tlhama komiti go etelela tiro eo pele mme ba simolola go kokoanya madi gore tiro e tle e atlege. Rre Sebinyana a re morago ga go kokoanya madi ba bona nngwe kompone mme ba reka dipone di le tlhano ba di tsenya mo mebileng e e lefifi. O ne a leboga morafe wa Motlhabana le bogosi jwa Kojwana gore ba bo ba ne ba ba ema nokeng mo tirong eo. Kgosi Bonang Bonang o ne a leboga motshwarelela tona go bo a ne a bona sebaka sa go tla go tsaya karolo mo tirong ya tshimolodiso ya go dira ga dipone tseo. A re thulaganyo e ke e e faphegileng ya go faposa morafe mo go beeng fela mo go direlweng ke puso mme ba ipelega. politics 7 Matamo mangwe a a tlhatsa Koporase ya Water Utilities Corporation (WUC) e tsibosa Batswana ba ba nnang gaufi le matamo go ela tlhoko ka dinako tsotlhe gore ba babalesegile. Sebueledi sa koporase eo, Rre Khumo Mogibelo o boletse mo potsolotsong gore matamo a Ntimbale le Shashe a tletse mo a tlhatsang. A re go na le kgonagalo ya gore metsi a bulelwe go a fokotsa, ka jalo batho ba ba nnang gaufi le dinoka ba tlaa itsesiwe. Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Mogibelo a re paakanyo ya mathombo a North South Water Carrier e weditswe, ka jalo metsi a tlaa simologa go tswa bokone go leba botlhaba jwa lefatshe leno. North South Water Carrier ke lenaneo le ka lone metsi a anamisiwang mo Gaborone le go thusa go nosa mafelo a a bapi leng le Gaborone. Bokhutlo society 9 Ba Matlapana ba shakgaletse madirelo a Isaland Safari Banni ba kgotla ya Matlapana mo kgaolong ya Maun ba supile matshwenyego ka go tlhoka tirisanyo mmogo le mogwebi mongwe wa bojanala wa madirelo a Isaland Safari Lodge. Banni bao, ba ba neng ba jele magala kwa phuthegong ya kgotla, ba boleletse jalo lekoko la bogogi jwa Ngamiland le le neng le tsile go reetsa kgang ka maikaelelo a go e rarabolola gore mogwebi yoo o ngomgorega ka dikgomo tsa bone tse a reng di a mo senyetsa ka jaana di tlhagala mo lefelong la kgwebo ya gagwe. Mogwebi yoo go boletswe fa a ngongorega gape ka modumo o o bakwang ke ditloloko tsa dikgomo ga mmogo le mekoro e e fetang fa madirelong a gagwe a a gaufi le noka ya Thamalakane. Mongwe wa banni, Rre Oarabile Johannes o ne a bua a sa kgale mathe a re go tlhabisa ditlhong gore e re mogwebi yoo a na le kgang a bo a sa ikuele mo bogosing jwa Goo- Tawana mme a ise kgang kwa ofising ya ga Tautona. A re o dumela fa ikuelo e ka bo e dirilwe pele mo bogosing jwa motse gore mongongoregi a kopanngwe le bao ba ba amegang. O boletse fa ene a bona go sena kgang ka jaana noka e dirisiwa ke batho botlhe. O ne a botsa gore a mogwebi o ne a dira ditshekatsheko (Environmental Impact Assessment) pele ga a simolola tlhabololo kana kago, ka jaana o k abo a lemogile fa dikgomo tsa kgaolo di nwa mo nokeng. Rre Johannes o ne a kgala mogwebi yoo a re se a se dirang ke go ba kgokgontsha mme a kopa mogwebi yoo gore a seka a itebelela a le nosi mme lebelele le bone batho ba a ba fitlhetseng mo tikologong. Rre Boitumelo Mooketsi o tlhalositse fa setlhako se fisa morwadi, a tlatsa ka gore ka bone ba tshela ka kgomo le phologolo, mogwebi yoo a tswe ka mogopolo wa gore ba ka tshela jang mmogo go sena dikgogakgogano. A re fa ba sa tle ka tharabololo, kgang e eo e tlaa tsala dintwa, a tlatsa ka gore o a ga kgamala ka jaana madirelo a Island Safari a tswa kgakala a le mo kgaolong ya bone mme go ntse go rena kagiso le thitibalo. A re go hema dikgang, a mogwebi a teratele madirelo a gagwe. Rre Petros Hange o tlhalosiste fa mogwebi yoo a sa ngongorege fela ka dikgomo le modumo mme a supile gape gore ga a batle batho gaufi le madirelo a gagwe. Fela jaaka dibui tse dingwe o ne a supa fa mogwebi yoo a batla go ba kgokgontsha, a tlatsa ka gore o setse a bolaile dikgomo dingwe tsa bone mme ga ba a ka ba mo tseela kgato epe. A re medumo ya mekoro e dirwa ke bone bagwebi ba bojanala. Fa a tswa la gagwe, mogwebi yoo, Rre Shawn Watson o ne a kopa banni go tlhokomela leruo la bone bogolo jang dikgomo tse a reng di a mo senyetsa e bile di tlhodia bajanala. A re bajanala ba lela ka modumo le ntswa ba etela mono go tla go ikhutsa go sena sepe se se ba itayang tsebe, a tlatsa ka gore gompieno jaana ba bona go le botoka go fetela kwa makgobokgobong ba sa lale mo Maun ka ntlha ya modumo wa leruo le le gobeyang gongwe le gongwe le sa tlhokomelwe. Rre Watson o boletse fa a filwe lefelo semmuso ke lekgotla la kabo-ditsha jaaka Motswana ka 1998, a tlhalosa fa a setse a tsentse terata ga tlhano mme a supa fa e senngwa ke dikgomo fa beng ba tsone bone ba thubile kobo segole. O tlhalositse fa ba lephata la diphologolo makgabisa naga ba mo duela phimolo keledi fa ditlou di kgaotse terata ya gagwe mme a kgone go e baakanya. E ne e rile go le pele kgosi Tshupegetso Bontsibokae a kopa batho ba Matlapana gore ba seka ba tsaya kgang eo ka mafatlha ka jaana ba ka sitega go bona tharabololo. Molaodi wa kgaolo, Rre Keolopile Leipego o ne a gatelela mafoko a ga kgosi ka go ba kopa go diga maikutlo le go nna le mowa wa tirisanyo gore ba kgone go rarabolola kgang. O ikuetse mo morafeng go ikuela mo bogoging jwa kagolo fa go na le se se sa ba itumediseng. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Thekiso ya bojalwa jwa setso e a sekasekwa Tona wa Peeletso, Papadi le Madirelo, Mme Peggy Serame, a re thekiso ya bojalwa jwa setso e tlaa tswelela e seegetswe fa thoko ka go santse go sekasekwa methale e e babalesegileng ya thekiso ya jone. E rile a buisa babega dikgang mo Gaborone ka Labobedi, Tona Serame o ne a bolela fa therisanyo fa gare ga ba-na-le seabe e santse e tsweletse. A re tsholofelo ke gore therisanyo e wele kgwedi ee tlang, selo se a reng se tlaa thusa mo tshwetsong ya go bulela thekiso. Tona Serame o supile fa maikaelelo a tshekatsheko e, e le go tla ka maano a go baya botsogo jwa moreki le morekisi mo pabalesegong. A re ka tlwaelo, bojalwa jwa setso bo nowa go kgobokanwe, selo se se ka bayang matshelo a banwi mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare wa corona. A re bojalwa jwa setso bo nowa ka go fapaanela phafana, kopi kana yone bokoso, ka jalo bo amanya batho mme seo se ka nna borai. Mo go tse dingwe, Tona Serame a re puso e tlaa dira ka gotlhe go thusa go tsosolosa dikgwebo tse di potlana go ka itshetela gape morago ga go amiwa ke mabaka a kiletso mesepele. A re lenaneo la Letlhabile la Citizen Entrepreneur Development Agency le tlaa thusa dikgwebo tse dipotlana go itshetlela gape. society 9 Thuto le kgodiso ya ngwana kgetsi ya tsie Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana kwa sekoleng se sebotlana sa Machaneng, Mme Dikeledi Moeti, a re mowa wa tshwaragano gareng ga batsadi le barutabana o tsweletse ka go ntsha maduo a mantle kwa sekoleng seo. Mme Moeti o buile mafoko a mo potsolotsong bosheng. A re batsadi ba Machaneng ba tshwanelwa ke go akgolelwa go supa fa ba tlhaloganya fa thuto ga mmogo le kgodiso ya ngwana e le kgetsi ya tsie. O boletse gore batsadi ba supa kgatlhego mo dithutong tsa bana ba bone ka ditsela tsotlhe tse ba ka di kgonang. Mme Moeti a re batsadi fa ba bilediwa diphuthego kwa sekoleng go tla go lekodisana ka fa bana ba tsweletseng ka teng, ba tla ka dipalo tse di nametsang. O tsweletse ka gore se sengwe gape se se kgatlhisang ke gore le fa batsadi ba sa bidiwe, ba kgona go etela kwa sekoleng go ya go lekola maduo a bana gangwe le gape. A re bangwe batsadi ga ba ipone tsapa go etela bana kwa sekoleng ba bo ba tlhola mo matlong a borutelo go ya go bona ka fa bana ba rutwang ka teng. Mme Moeti o boletse gore tshwaragano e ga e ntshe maduo a mantle fela mo dithutong, a re e thusa gape go aga botho jwa bana. O ne a kaya fa boitshwaro jwa bana mo sekoleng le kwa malwapeng bo nametsa. Go sale foo, Mme Moeti a re e ne ya re ngogola komiti ya gagwe ya kopa gore go agiwe ntlo ya setso mo sekoleng. A re lebaka la kago ya ntlo eo e le go tla go kokoanyetsa didirisiwa tsa setso mo go yone gore e re fa bana ba rutwa ka tsone ba bo ba kgona go di supegediwa e seng go di bonela fela mo ditshwantshong. Mme Moeti a re batsadi ba ne ba dumalana ka bongwefela ja pelo mme ope a seka a batla go ipona a saletse kwa morago mo tirong eo. Ka tsholofelo e sa tlhabise ditlhong, Mme Moeti a re ba solofela gore ka ntlha ya tshwaragano e, ngwaga mongwe sekole sa bone se tlaa bo se itlhomile kwa pele se gaisa dikole lefatshe ka bophara. O ne a supa fa maduo a tsweletse ka go tsholetsega ngwaga le ngwaga. Modulasetilo o ne a rotloetsa mowa oo wa tshwaragano gareng ga batsadi le barutabana. A re ga a eletse go bona ka letsatsi lepe motsadi ope a ikgogetse kwa morago. O ne a rotloetsa batsadi gore ba tswelele jalo mme ba etele le kwa dikoleng tse dikgolwane go lekola tiro ya ban a ba bone. Mme Moeti o ne gape a rotloetsa bana go tlhwaafalela dithuto tsa bone, a bolela fa thuto e le boswa jo bo sa lwelweng. education 4 Maele o lekodisa banni ka ditshwetso tsa puso Mopalamente wa Lerala/Maunatlala o lekodisitse banni ba Lecheng le Malaka ka ditshwetso dingwe tse puso le palamente e di tsereng. Nngwe ya dikgang tseo, go ya ka Rre Prince Maele ke gore molawana o o akantsweng wa taolo ya tsa itshireletso ya baba ikemetseng (Private Security Bill) o buisantswe wabo wa tsenya ditsetlana tsa thutuntsho le go bafa dithata tsa dikgoka tse baka didirisang, le gone gore maitsholo a bone e nne a a letlelesegang. Fa a bua ka molao wa lekgetlho (Income tax amendement bill) are le one o bakantswe fale le fale. Mabapi le dikgang tsa leuba, a re balemi barui ba ya go fokoletswa dituelo tsa madi a kadimo kwa CEDA ka 85 per cent, dijo tsa leruo tsone di fokoditswe ka 25 per cent, fa bana ba dikole tse dikwa metseng ya tenyana a teng le bone baya go jesiwa gabedi mo letsatsing, bana ba dingwaga tse di kafa tlase ga botlhano le bone fela jalo ba ya go fiwa dijo tse di okeditsweng. Mo go tsa nyeletso lehuma, Rre Maele a re e puso e eme ka dinao go lwa le melala ya gotswa ka 2011 go fitlha jaanong pele goka ka tswelelwa ka lenaneo leo. O ile a tlhalosa gape ka tsamaiso ya di dikomiti tsa ditlhabololo a re jaanong di fa mongwe le mongwe sebaka sa go ka nna leloko lefa a tshwere katlha engwe. O ile a rotloetsa banni ba metse eo go ema ka dinao, go dira mogotweng mosele wa pula o epiwa gosale gale, ka gosimolola jaanong go kgobokanyatse boipuso jo bo tlang, mme a bakopa gore a ere ba dira jalo ba segele kwa tlhoko ditiro tsa bone tsa selegae ka letsatsi la boipuso, le gone gore a ba boketekele mo mo kgotleng e tona botlhe. Rre Maele, yo gape e leng Tona wa Ditsha le Matlo, a re puso e dirile gotlhe go tokafatsa mananeo a banana, a re fa banana ba ikopantse ka fa tlase ga lenaneo la Youth Development Fund (YDF), ba ya go neelwa P100 000 mongwe le mongwe wa bone, gona le jaaka pele ba ne ba neelwa P450 000 fa ba feta botlhano. A re banana ba dikgwebo tse diitshetetseng ba ya go thusiwa gape fa godimo ga thuso ya ntlha e ba e neetsweng go godisa dikgwebo tsa bone , mme ba ntse ba busa sephato sa madi ao. A re go godisa kgwebo kana go e atlolosa, goya go thusiwa ka P500 000 fela eseng go feta foo. O ne gape a re lenaneo la Young Farmers Funds, le fetotswe gonna Young Entrepreneurship Fund, ka maikaelelo a go akaretsa tsotlhe tse di amang kgwebo, gona le goitebaganya le tsa temo fela jaaka gone gontse lentlha. Tona Maele o ne gape are banana ba ya go neelwa 30 per cent wa ditirelo tsa ditiro tse ditlaa abiwang, gape ga ba na go duela madi a dipeeletso, ga bana go duelela theko ya ikopelo ditiro kafa tlasa ga lenaneo la PPADB (tenders) gape baya gofiwa dingwaga tse tlhano basa duelele (lease) mme a kopa banana go le aramela le santse le batlhabetse go tsaya sebaka se go inaakanya le mananeo a ba afiwang ke puso. politics 7 Setshaba se kgatlhegela thekiso ya matlalo Go rekisa matlalo a diphologolo ka palobalo go boletswe fa go naya Batswana sebaka sa go dirisa matlalo go na le gore a senyege fela. Se se boletswe ke mookamela ofisi ya lephata la makgabisanaga kwa Dutlwe, Rre Bakang Seboko kwa thekisong ka palabalo mo bosheng. A re setshaba se gakologelwe fa lekgotla le le laolang thekiso ya di-tsa tlholego tse di gomagomediwang ke go nyelela la Convention on International Trade in Endangered Species of wild fauna and flora (CITES) le ba beetse seelo sa matlalo a ba ka a rekisang go ya ka palo ya diphologolo mo lefatsheng. O tlhalositse fa bagwebi ba ba filweng teseletso ba letlelelwa go reka matlalo a mantsi jaaka fa ba kgona mme batho fela ba letleletswe go reka letlalo le le lengwe mo thekisong nngwe le nngwe. Rre Seboko a re matlalo a rekisiwang bontsi e le a diphologolo tse di senyetsang batho, A re bagwebi ba rata matlalo a nkwe le tau ka jaana a na le boleng jo bo fetang jwa a mangwe mme e bile fa o dira mekgabisa ka one go kgatlha leitlho go nale a mangwe. A re kgwetlho e ba nang le yone ke ya gore motho o kgona go bitsa tlhwatlhwa e e kwa godimo fela mme go tswa fa a tsamae a sa duela. A re e nngwe ke gore bareki ba a ipua gore ba seka ba paralatsa menwana. E re ntswa letlalo la lengau le ne le beetswe seelo sa P200, le feletse le rekwa P3 150, ya ba ya nna lone le rekilweng ka madi a mantsi go feta matlalo otlhe. Matlalo a lengau a ne a le lesome le borataro mme a rekwa otlhe. Mongwe wa bagwebi ba matlalo Rre Fluten Akanyang, o tlhalositse fa a ne a tsile palabalong go tswa kwa Kobojango. A re o dirisa matlalo go dira diphate, dibaga le mekgabisa. O bolela fa lephata la makgabisanaga le ba file lenaneo le le ba itsiseng gore thekiso ka palabalo e tlaa bo e le kae leng. A re o sale a simolotse go gweba ka matlalo ka 2009 mme thata a batla letlalo la tau, nkwe le dinaka tsa tlholo. Mogwebi yo o rekile matlalo a lengau a le mane, a letotse a le mabedi, a tau a le mabedi, le le lengwe la tlhware le le lengwe la kgwathe ka jalo ya nna ene a rekileng go gaisa bareki botlhe. Mogwebi yo mongwe, Montlamedi Ramodisetsi o tlhalositse fa a kgona go rekisa matlalo a sena go a suga kana a dira mekgabisa ka one. Ene o itheketse matlalo a le mane; e leng a mangau a le mararo le la phiri. O bolela fa a direla kwa Hukuntsi e bile a sale a simolotse kgwebo ka 2006. Rre Ramodisetsi o gakolotse ba lephata le go nna ba tshwara matlalo sentle gore e le bagwebi ba kgone go boelwa. A re ba lephata le ba tshwanetse go nna le baitseanape ba matlalo ka jaana ba ka itse botoka go sireletsa matlalo mo dijing le go a somarela Go rekisitswe matlalo a le masome a mararo mme le le lengwe la tlhoka moreki. ENDS economy_business_and_finance 3 Mothusa tona o itumelela bophepa Mothusa Tona wa Thuto go tswa kwa Moding, Mme Nnaniki Makwinja, a re o itumelela bophepa kwa dikoleng tsa kgaolo ya botlhophi ya Sefhare/Ramokgonami. O buile se ka Labone morago ga go etela dikole di le thataro. “Le dirile tiro e ntle thata, ka tshwaragano e e kwa godimo. Dikole tse tsotlhe tse ke di tsamaileng mo kgaolong e, di phepa. Le dirile se segolo, mme e bile le seka la inyatsa,” ga bua Mme Makwinja. A re puso e ne ya bula dikole gore baithuti ba seka ba latlhegelwa ke dithuto mo nakong eno ya segajaja sa COVID-19. A re maikaelelo a puso a tlaa atlgea ka ntata ya boineelo le kgatlhego ya barutabana mo thutong. A re go ne go le botlhokwa go netefatsa pele gore fa bana ba boela dikoleng, melawana yotlhe ya ba botsogo ya go thibela kanamo ya mogare wa corona e a diragadiwa. Tiro e, e a reng e ne e se motlhofo, e ne ya kgonagala ka tirisano mmogo ya bodiredi ba dikole. Mme Makwinja o rotloeditse bodiredi go tlhomamisa gore ditlhabololo le diphetogo tsotlhe tse puso e di dirileng kwa dikoleng e nna tsa sennelaruri gape di tswelela di le mo seemong se sekgatlhisang. A re keletseo le thotloetso ya ba botsogo ke gore dikole di tswelele ka go nna phepa. “Re le puso, re a le lemoga mme e bile re a le leboga le le barutabana. Fa ke santse ke le mo maemong a, ke batla gore seemo sa barutabana se tokafale. Fa ne go sena bodiredi jo bo nang le kgatlhego mo thutong ya ngwana, puso e le nosi e ka bo e sa kgona go baya dikole mo seemong sa gore di bule go setswe morago melawana ya ba botsogo morago,” ga tlatsa Mothusa Tona. Fa a ntsha la gagwe, mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami, Dr Kesitegile Gobotswang o ne a lebogela Mme Makwinja go etela dikole tsa kgaolo ya gagwe gore a iponele a bo a ikutlwele dikgwetlho tse di lebanyeng dikole. Dr Gobotswang o supile fa banni ba Ramokgonami ba lela ka go agelwa sekole se se potlana sa bobedi. Dr Gobotswang a re se ke maiteko a bone a go supa mowa wa boipelego gore nako e puso e tsayang tshwetso ya go se ba agela a bo e fitlhela le bone ba dirile sengwe. Modulasetilo wa khansele-potlana ya Mahalapye, Rre Banthasetse Merementsi, o ne a lebogela Mme Makwinja go bo a tsere nako go ya go iponela maiteko a bone, ka tshwaragano le bodiredi jwa dikole tsa Sefhare/Ramokgonami. “Re tiile moko ka gore re bone gore lebelo le re neng re le tsere, go bona gore bana ba babalasegile mo dikoleng, re ne re se nosi mo go lone,” ga bua rre Merementsi. Rre Merementsi a re ga ba ise ba wetse tiro ya bone kwa dikoleng ka ba sa ntse ba tshwaraganye le go tsenya dithuthafatsa metsi kwa dikoleng tsotlhe tsa kgaolo ya bone. “Bodiredi jwa rona bo thusitswe ke mowa wa tshwaragano. Mme ga re ise re wetse, re ntse re tsweletse ka tiro e mo dikoleng,” ga tlatsa modulasetilo. Mme Makwinja o ne a etetse dikole tse dipotlana tsa Machaneng, Mmutle le Ramokgonami le tse dikgolwane tsa Mosikari, Sefhare le Ramokgonami. O ne a patilwe ke mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Mahalapye, Rre Bakani Mathumo le mogolwane wa tsa thuto, Rre Otukile Kedikilwe. education 4 Goya o galaletsa komiti Mothusa tona mo lephateng la thuto le tlhabololo dikitso, Rre Moiseraele Goya, o akgotse komiti ya ditlhabololo ya kgotla ya Bokaa kwa Shoshong go bo e agetse mongwe ka bone ntlo. Rre Goya o ntshitse kgothatso e kwa moletlong wa go abela lelwapa la ga Mme Lephoi Tshekompe ntlo ya dikamore tse pedi kwa Shoshong bosheng. O tlhalositse fa komiti e, e file lelwapa leo seriti. A re komiti eo gape e diragaditse maikaelelo a tebelopele ya lefatshe ya 2016 ya go abelana le go tlhokomela ba bangwe, a tlatsa ka gore ba dirile ditso bogolo jang ka tebelo pele e e ya bokhutlong. A re peo e e saleng e jwadilwe ya tebelopele ya 2016 ga e a wela fa fatshe. Rre Goya a re komiti ya ditlhabololo tsa Bokaa e tlaa kwalwa mo dibukeng, go bo e nnile le sebae fela se setona mo setshabeng. O ne a tlhalosa gape gore lehuma le go nna kobo dikhutshwane e se selo se se eletsegang. A re lehuma le tla ka ditsela di le dintsi, mme sengwe se se tshwanetseng go tshwenya ba le bantsi ke letlhoko la bonno ka gore le botsogo jwa motho bo felela bo le mo diphatseng. Ka jalo, Rre Goya o ne a leboga go menagane komiti ya ditlhabololo ee neng e thusiwa ke bagwebi, babereki ba ipelegeng, maphata a puso le setshaba ka kakaretso ba bo ba bone go le botlhokwa go agela boora Tshekompe fa ba ka bayang tlhogo teng. Rre Goya o ne a kgothatsa dikomiti tse dingwe tsa metse go tsaya malebela mo komiting ya kgotla ya Bokaa. A re boeteledipele jo bo popota, go tewa gone go tsamaisa morafe mo ditseleng tsa tshiamo, go ba dibela go ba tlotlomatsa le go ba sekegela tsebe. O ne a leboga gape le botlhe ba ba tsereng karolo, mme a gakolola boora Tshekompe go tlhokomela ntlo e ba e agetsweng e. E rile a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Rre Emmanuel Thipe o ne a tlhalosa gore e rile fa ba tsaya ka 2014 ba fitlhela komiti e ba neng ba tsaya mo go yone e setse e simolotse tiro ya go agela boora Tshekompe ntlo mme bone ba feta ba e feleletsa. Rre Thipe a re ka go tlhoka lesego Mme Lephoi Tshekompe a tlhokafala mme ba seka ba ipona tsapa, ba tswelela gore bogolo bana ba gagwe ba seka ba sala mo lebatleng ba tsweledisa tiro e ya bone. A re ba ne a ba itlama go ntsha mo dipateng tsa bone, ba thusiwa ke babereki ba ipelegeng, boradikgwebo le morafe wa kgaolo ya Shoshong go aga ntlo eo ba bo ba e fetsa. Le ene fela jalo o ne a leboga botlhe ba ba tsereng karolo go aga ntlo eo, a re mo go supa lorato, le kutlwelo botlhoko mo go ba bangwe, e bile go fa seriti. Kgosi Mosinyi Mosinyi wa kgotla ya Bokaa le ene o ne a galaletsa komiti ya ditlhabololo ya kgaolo ya gagwe, a re ba supa fa tota ba beile dikeletso tsa morafe kwa pele. Kgosi Mosinyi a re e re le ntswa ba kopane le dikgwetlho tse dintsi di akaretsa go tlhoka dipalamo tsa go thotha motlhaba, dithuso le tse dingwe ga ba a ka ba ipona tsapa gore boorra Tshekompe le bone ba ipone ba tsoga mo ntlong motlha mongwe. A re maikaelelo a komiti ya ditlhabololo tsa motse ga se go tlhabolola motse fela mme ba tshwanetse go baya le matshelo a batho kwa pele, go ba fa seriti le go ba kgothatsa mo go tse di tshwanetseng. BOKHUTLO politics 7 Ba ba fiwang teseletso ya go sega bojang ba kopiwa go itshwara sentle Batho ba ba filweng teseletso ya go kgetla bojang ba gakolotswe go itshwara sentle kwa ba gorogetseng teng go itsa go gotlhagotlhana le tikologo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Zoroga, Rre Ditshwanelo Shororo a re morago ga gore bangwe ba fuduge go ya go kgetla bojang, go supagetse fa bangwe ba rekisa majalwa a Setswana kwa ba thibeletseng teng. A re go rekisa majalwa mo tikologong ya go nna jalo, go baya matshelo a batho mo diphatseng ka ba ka tshuba naga kgotsa ba tlhoke kelelelo mo diphologolong tsa naga tse di ka nnang borai mo matshelong a bone. Mo potsolotsong le Rre Shororo a re go baya gape mo diphatsheng segolo bogolo bana ba ba tsamaileng le bone. A re ga a jesiwe diwelang ke batsadi ba ba ileng le masea kwa nageng ka e tletse dibatana le digagabi tse di ka nnang borai mo go bone. Rre Shororo a re ka e le malatsi a boitapoloso a bana ba dikole, batsadi ba tsamaile le bana mme seo se ba dia go bala ka ba tlhola ba kgetla bojang letsatsi lotlhe mo go tlaa nnang le seabe mo kwelotlase ya maduo. O supile fa go isa bana go ya go kgetla bojang go fetola ditlhaloganyo tsa bone ka ba ka felela ba tsaya gore bojang e ka nna tsela ya go itshetsa ba bo ba felela ba itlhokomolose dithuto. A re dikgwebo ka mefuta le dithoto di isiwa kwa jannye go di amogana ka jone. Rre Shororo a re bangwe bana ba tlogela dikole ka paka ya go kgetla bojang ka ba kgona go reka sepe fela se ba se batlang morago ga go bo rekisa. O kgadile beng ba dikoloi tse di isang batho koo, a re ba lela ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo. A re beng ba dikoloi ba lopa dingata tsa bojang tse dintsi mo go felelang go dira gore banni ba berekele bone le dijo fela morago ba bowe ba iphotlhere mme seo se dira gore banni ba seka ba tswelela ntswa ba letlelelwa go itshetsa ka di-tsa tlholego. Rre Shororo o rotloeditse batho go nna le dithuso tsa potlako fa ba ya jannye gammogo le gore ba botsogo ba ba beye leitho go netefatsa gore tikologo e ba leng mo go yone e siametse botsogo. A re go fudugela kwa nageng go sena thulaganyo e e dirilweng, go baka kgotlhelesego mo tikologong ka batho ba kampa fela ba sena matlwana a boitiketso le fa ba latlhelang matlakala teng. O ba kgothaditse go tlhama mokgatho o o tlaa ba tshwaraganyang gore ba kgone go rekisa bojang jwa bone ka lentswe le le lengwe fela ka ditlhwathwa tse di botoka. society 9 Monana o rotloetsa ba bangwe go ipatlisisa Rre Leina Segwai, yo e leng monana e bile a le mo lenaneong la YDF, o rotloeditse banana go itshekatsheka go batla dikitso tse ba nang le lerato mo go tsone go di fetolela mo go direng dikgwebo go itshetsa. Mo potsolotsong le A re e rile ka 2016, a setla tsela kwa diofising tsa lephata la banana go ya go kopa madi, mme ya re ka 2017 a ya fifing, loeto lwa gagwe la tswa maduo a fiwa dikete di le masome a robongwe le borobongwe go simolola kwebo ya go rua dikgomo. A re o ne a reka dikgomo tse di namgadi di le lesome tsa mohuta wa Simmental le poo e le nnngwe ya Sherillin. Rre Segwai a re go tsena mo thuong ya dikgomo, o kgothaditswe ke gore o goletse mo tikologong ya temo-thuo ya batsadi ba gagwe, ka jalo o na le lorato lo lo tseneletseng mo kgomong. A re o bone go le botlhokwa go godisa mhama wa nama mo Botswana ka e le one o lomang wa diteemane serota mo go tsamaiseng itsholelo ya lehatshe. A re batsadi le bone ba ne ba mo eme nokeng ka go mo adima lefatse le le nang le sediba, go ikgodisa, mme e tlaa re mo tsamaong ya nako a batle la gagwe. Rre Segwai a re o ipeetse seelo sa gore mo dingwageng tse thataro, o eletsa gore mo go tse pedi le sephatlho, a bo a setse a duetse sekoloto sa madi a a adimilweng le gore mo dingwageng tse tsaro le sephatlho leruo la gagwe le bo le atile gabedi. O tlhalositse gore ba lephata la banana ba ne ba mo tlhatlhelela ka botsipa jwa go rua kgomo monongwaga gore a kgone go tlhokomela leruo la gagwe. A re o nna a golagana le ba ofisi ya mokenti ka ape mathata a a kopanag le one kwa morakeng kgotsa fa go na le sengwe sa tshoganetso jaaka kgomo e lwala. O kgothaditse banana go batla methale e ba ka itirelang madi ka yone mo magaeng pele ga ba ka ya kwa ditoropong go batla mafulo a matalana. Le fa go ntse jalo, o ne supa fa a ise a kopane le dikgwetlho tse di kalokalo ka a netefatsa gore tsamaiso ke ya maemo a ntlha ka e bile a rurifatsa nako le nako fa dikgomo di nole le gore di jele le fa di le ka fa tlase ga tlhokomelo ya modisa. O kgothatsa banana go simolola dikgwebo ba santse ba le bannye gore ba golele mo go tsone ka puso e phutholotse seatla go tla ka mananeo a tshwana le LIMID le YDF go ba ntsha mo lehumeng. Rre Segwai a re banana ba seka ba itsemeletsa go tsena mo diofising tsa puso go batla kitso ka mananeo a nyeletso lehuma, gape ba tsene mo metlobong ya dibuka le maranyane ka se se ka ba tswela mosola mo isagong. O lebogetse puso go menagane go bo e mo thusitse ka a ne a itlhobogile mo botshelong mme jaanong o bona lesedi. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Monana kwa Serinane o nwa dipodi moro Mme Onkgomoditse Ramosetlha wa dingwaga tse di masome a mararo le bongwe, yo o tlholegang kwa Serinane mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, a re kgwebo ya dipodi e bogadi bo gaufi e bile ga e wetse dingalo ka go le motlhofo go e tlhokomela. Mme Ramosetlha a re o sale a ratile dipodi ka jaana a godisitswe ke rraagwemogolo yo e neng e le morui wa tsone yo motona. Mme a re e ne ya re a sena go babalelwa ke go tlhoka tiro ya sennelaruri ka a ne a itshetsha ka Ipelegeng, a utlwalela ka lenaneo la banana mme a iteka lesego. Maiteko a gagwe a ne a atlega, mme ya re ka 2015 a thusiwa ka P100 000, go simolodisa kgwebo ka go reka dipodi di le masome a marataro. Mme Ramosetlha a re kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle e bile dipodi tsa gagwe di a ata ka podi e tsala gabedi ka ngwaga. O tlhalosite gape fa theko ya dipodi e santse e nametsa, mme a re bangwe ba bareki ba gagwe ba rekela go tlhaba, fa ba bangwe ba rekela go rua kgotsa go simolola dikgwebo ba thusiwa ke mananeo a puso jaaka LIMID le YDF. O supile fa a itumelela kemo nokeng e ba diofisi tseo ba e mo fang jaaka go mo lomaganya le bareki. E re ntswa dipodi di le bogadi bo gaufi, ke selo se se tshabelelwang ke malwetsenyana, mme Mme Ramosetlha a re gantsi o tshwenngwa ke bolwetse jwa kgofa e thamaga e e kgonang go nna ntsi mo Serinane le metse e e mabapi. A re kgwetlho e nngwe e a kopanang le yone ke ya go rekela dipotsane mashi fa bommatsone ba sule le nako ya leuba bojang bo tlhaela. O ne a lebogela puso maitlamo a go namola banana mo letlhokong la ditiro ka mananeo a tshwana le la YDF. Le fa go ntse jalo, Mme Ramosetlha a re ntswa kgwebo ya gagwe e solofetsa, ga a ise a fitlhelele toro ya gagwe ya go atolosetsa kwa kgwebong ya leruo la dikoko. O ne a rotloetsa banana go nna le bopelotelele fa ba tsena mo mererong ya kgwebo, ka jaana kgwebo e batla boineelo le boikarabelo e bile go le botlhokwa gore fa motho a ineela mo kgwebong a bo a e tlhophile, a e rata go na le go eteletsa madi kwa pele. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Go ntsha maduo le botsogo di-ya thoteng Molomaganya ditiro tsa HIV/AIDS kwa Selebi Phikwe, o tlhalositse gore ga go motlhofo gore mmereki o ka ntsha maduo mo tirong a sena botsogo jo bo itekanetseng le yone pabalesego tota . Kwa moletlong wa itshidilo mmele o o neng o tshwaretswe kwa mabaleng a recreation centre kwa toropong eo bosheng, Rre Emmanuel Siamisang o boletse gore babereki ba lebanwe ke dikgwetlho tse di ka dirang gore ba seka ba ntsha maduo mo tirong di tshwana le go angwa ke malwetse a akaretsa HIV/AIDS ka a kgona go ama tlhaloganyo le jone botsogo ja motho. Rre Siamisang o tlhalositse fa moono wa gore ba lephata la temothuo ba bo ba seegetse letsatsi la go itshidila mmele le go amogana dikitso tsa ka fa ba ka tokafatsang botsogo ja bone ka teng, o tsile ka nako e e maleba ka puso e tshwenyegile ka fa bodiredi bo gogang maoto ka teng go ntsha maduo mo tirong. A re bodiredi bo tshwanetse go tswa ka ditsela tse ba ka tokafatsang maduo mo tirong ka tsone. Rre Siamisang o kgothaditse ba lephata la temo thuo go tlhama dikomiti tse di farologaneng mo ditirong di akaretsa tsa bagolo le bana gore fa mongwe a na le mathata, e ka tswa e le a selegae kana a mo tirong,a kgone go phuthologa go bua ka gore babereki ba tsaya nako e ntsi ba le mo tirong ka jalo ga ba na nako e ntsi go nna le ba malwapa a bone go tsaya dikgang tsa go nna jalo. O kgothaditse bodiredi ba temothuo go ikgapha mo nnotaging ka gore e na le seabe se tona mo go ntsheng maduo mo tirong le gone go isa itsholelo ya lefatshe kwa tlase. O tlhalositse gore motho mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaya boikarabelo ka botsogo ja gagwe ka go ja dijo tse di siametseng mmele le gone go itshidila ka go lemosegile fa go itshidila go fokotsa go akanya mo go feteletseng. O kgothaditse lephata go nna le tshwara tiro ya go nna jaana ka go thusa thata go nna ba abelana dikitso le go ne go itsane botoka. Go ne ga itshidilwa mebele ka metshameko ya kgwele ya dinao, bolotloa le mabelo e le tsela nngwe ya go ipaakanyetsa letsatsi le le tla a tshwarelwang kwa Nata, Morule a tlhola letsatsi go fitlha malatsi a le matlhano. Bokhutlo health 6 Emisang khiro ya kgethololo - Mokalake Tona wa lephata la ditsha le matlo, Rre Lebonaamang Mokalake o kgadile a sa kgwe mathe tsamaiso e banni bangwe ba Xere ba ngongoregileng ka yone ba re khiro ya lenaneo la Ipelegeng e dirwa go lebeletswe boloko jwa diphathi tsa sepolotiki. Banni ba Xere ba ntshitse ngongorego eo bosheng mo phuthegong ya kgotla ba supa gore bangwe ba bone ba rontshitswe sebaka sa go thapiwa mo Ipelegeng ka gore ba ne ba apere mebala ya phathi e e neng e sa tsamaelana le maikutlo a ba ba hirang. Rre Mokalake a re e nne la bofelo a utlwa ngongorego ya gore tsamaiso ya khiro e dirwa go lebeletswe gore motho o apere mebala ya phathi efe. A re go tshwanetse ga thapiwa mongwe le mongwe yo o batlang tiro eseng go lebelela boloko kana kapari e tsamaelanang le phathi epe fela. O supile gore tsamaiso e, e baya bangwe ka fa mosing ka jalo ga e a tshwanela go letlelelwa gotlhelele. Kwa motseng wa Mmadikola gone, Rre Mokalake yo gape e leng mopalamente wa kgaolo ya Boteti Borwa, o supile gore go tlhoka go amogela dikgakololo tse di tlang ka boeteledipele go busetsa morago. Rre Mokalake o ne a araba dingongorego tsa mongwe wa banni ba Mmadikola, Rre Gaboitatolwe Jenjele yo o neng a supa gore mapolotiki a palelwa ke go tlisa ditlhabololo mo motseng wa bone. Tona Mokalake a re, le fa a lekile go ntsha dikgakololo a rotloetsa morafe go inaakanya le dikgwebo tsa bojanala, maiteko a gagwe a iteile se fololetse ka go sena ope yo o neng a tsiboga. Rre Mokalake a re, go na le setlhopha sa bomme ba ba neng ba bone lefelo lengwe gaufi le noka ya Boteti mme ba eletsa go dira motse wa ngwao. A re le fa a ne a rulaganya gore bomme bao ba kgone go ya go tsaya malebela kwa Bahurutshi Cultural Village kwa Mmankgodi le gone go tswelela ba thusiwa ka dikgakololo ke ba ofisi ya diphologolo le mekgabisa naga, maiteko a bone a ne a seka a atlega ka gore bangwe ba ne ba gana ka lefelo le ba neng ba eletsa go direla mo go lone. Rre Mokalake o tsweletse a supa gape gore o ne a tswelela a ikopanya le ba kompone ya Debswana gore ba thuse morafe wa Mmadikola ka madi a tla thusang go agelela le go tsenya ditlamelo mo masimong go simolodisa temo ya nosetso. A re le fa kompone ya Debswana e ne ya dumalana le megopolo wa gagwe, tiro eo le yone e feletse e padile ka bangwe ba ne ba gana ka lefatshe le le neng le supilwe le ka dirisiwa, ba re ke la bone le fa mo nakong eno le ntse le sa dirisiwe. Rre Mokalake o supile gape gore e sale noka ya Boteti e simolola go ela, o rotloeditse merafe ya metse ka go farologana go ikopanya go rulaganya meletlo ya ngwao ngwaga le ngwaga mme le gone go retetse. O tsweletse a re go a tshwenya go bona morafe o supa mapolotiki ka monwana le ntswa ba paletswe ke ditiro tse di ba lebanyeng. Rre Mokalake a re ditiro dingwe tse morafe o eletsang di diriwa ke tse di sa akarediwang mo mananeong a a tsweletseng a ditlhabololo, a tlatsa ka gore ba tshwanetse ba gakologelwa gore ditiro tsotlhe tse di tsenang mo lenaneong lepe fela la ditlhabololo di tswa ka morafe e seng mapolotiki. Kgosi wa motse wa Xhumo, Rre Seikgotheng Ntshumbiwa ene o supile fa a tshwenngwa ke badirelapuso ba ba ganang go dirisana le morafe le boeteledipele jwa motse. Kgosi Ntshumbiwa a re bangwe ba badirelapuso ga ba tsenelele diphuthego le ditiro dipe fela tsa morafe, a tlatsa ka gore o setse a ikuetse kwa ofising ya ga molaodi go thusa go laola seemo se. Rre Ntshumbiwa o supile gore boikarabelo jwa go baakanyetsa ditiro tsa motse e setse e le morwalo wa badirelapuso ba ba berekelang mo kgotleng fela, a supa fa ba maphata a mangwe ba sa batle go thusa. O tsweletse a supa gore le ka nako e go neng go baakanyediwa phuthego ya ga Tona Mokalake, ba sekolo se se botlana le kokelwana ba ne ba gana go ba adima ditilo. Kgosi Ntshumbiwa o supile gore boeteledipele jwa motse bo tshwentswe ke seemo sa thuto ka gore maduo a sekolo se se botlana a tsweletse ka go wela tlase. A re ba lemogile dingwe dilo tse di bakang seemo se mme di ka kgonwa go rarabololwa fa ba kopane le bagolwane ba thuto. O supile gore le fa a kopile mogolwane wa thuto kwa Letlhakane go tla go kopanela seemo se, ga a ise a tsibogele kopo ya gagwe. Kgosi Ntshumbiwa a re o tshwenyegile thata ka gore bana ga ba kgone go tswelela sentle le dithuto tsa bone mme ba felele ba inaakanya le ditiro tsa borukutlhi. Mopalamente Mokalake a re dikgang tsa badirelapuso ba ba sa dirisaneng le morafe di a tshwenya gonne di busetsa ditiro tsa motse kwa morago. A re modirelapuso o tshwanetse a gakologelwa ka tse dintle tse a di dirileng jaaka go tlisa kitso le dikgakololo mo morafeng e seng go nna sekgoreletsi.Bokhutlo politics 7 Bagodi ba abelwa diromamowa Ba ofisi ya ditogamaano tsa setshaba (National Strategic Office) erile bosheng ba abela bagodi ba Sekoma diromamowa di le masome marataro. Erile mothusa mookamedi wa ofisi eo, Rre Lewis Malikongwa a bua kwa moletlong wa go aba dimpho, a re ofisi ya gagwe e lemogile fa melaetsa ya mananeo a puso e anamisiwa mo seromamoweng le mo dipampiring tsa dikgang. A re ka jalo ba bona go tshwanela gore ba rekele bagodi diromamowa gore ba kgone go tsaya melaetsa ya mananeo a puso ka botlalo ba seka ba fetwa ke sepe. A re diromamowa tseo gape di tlaa ntsha bagodi bodutu ka gantsi ba tlhola ba le nosi bana ba ile dikoleng le ditirong. A re e re ka jaana ba tlhophile bagodi ba ba amogelang madi a bagodi ebile ba thusiwa ke khansele ka dijo, tsholofelo ke gore ba tlaa kgona go ithekela malatlha fa a fedile. Rre Malikongwa o rotloeditse bagodi bao gore ba seka ba rekisa diromamowa tseo le fa go ka nna thata ka jaana e le tsone bommata ba bone. Erile a afa malebo, mokhanselara wa kgaolwana ya Sekoma, Rre Makalare Ngomme a iteela mpho eo legofi a re diromamowa tseo ka nnete di tlaa ntsha bagodi bodutu. A re segolo bogolo o lebogela ba ofisi ya ditogamaano tsa setshaba gore ba bo ba bone go tshwanela gore ba tle go abela batho ba Sekoma le mororo metse ya Botswana e feta ’thapo tsa loselo. A re se ba se dirileng se a itumedisa ka jaana go le gantsi motse wa bone o tlodisiwa matlho fa go ajwa dithuso tse di farologaneng. society 9 Batswana ba kgotlhadiwa go aba madi Mooki yo mogolwane kwa kokelo ya Sekgoma, Mme Tebogo Lebang a re Batswana ba tshwanetse go ema ka dinao ba aba madi ka dikokelo di tlhaelelwa. O buile jaana mo potsolotsong le Mme Lebang a re ntswa ba na le dibanka tse thataro lefatshe ka bophara, tse tsotlhe di tshwanetseng go bona gore ba kgon seelo se ba se beetsweng sa dikgetsana tse 40 000 mo ngwageng, se ga se bonolo ka setshaba se goga dinao go aba madi. A re ngogola ba ne ba kgonne dikgetsana tse 25 000 fela. Mme Lebang a re se se a tshwenya ka mo bogompienong madi a tlhokafala thata, bogolo jang ka go na le malwetse a mantsi jaaka madi a a kwa tlase, kankere, le loaro. “Fa o tsaya loaro lwa pelo fela o tlaa lemoga botlhokwa jwa go fa madi. Loaro lwa pelo lo tlhoka dikgetsana tsa madi di ka nna lesome, mme kana kgetsana e tsenya 450ml. Se se ka se kgonagale batho ba sa abe madi.” Mooki yo a re fa motho a aba madi a itse gore le ene o a ipoloka ka a ka se ke a itse gore o ka tsoga a tlhagogelwa ke eng se se tlhokang madi. A re gape motho o tshwanetse go gakologelwa gore fa a abile madi, a ka tsoga a thusa wa gabone, gongwe a na le kotsi kana mongwe a belega. Mooki yo, o ne a tlhalosa fa banana ba aba madi go feta bagolo, bogolo jang ka go aba motho yo o dingwaga tse 16 go ya kwa go tse 65. “Mme gape re lemogile fa borre ba aba madi go feta bomme, selo se re sa itseng gore se bakwa ke eng. Keletso ke gore bomme fela jaaka borre ba fe madi ka e le selo se se tlhokwang ke botlhe. Borre ba nna mo dikotsing thata mme ba tlhoka madi, le bomme fa ba belega ba a a tlhoka.” A re fa gongwe batho ba na le go boifa mme a rurifatsa gore go aba madi go babalesegile. Mme Lebang a re ntswa ba na le ofisi ya kabo madi kwa Sekgoma, seo ga se a lekana, ka jalo ba nna ba tswa letsholo ba etela dikole le maphata go bona madi. A re fa go na le ditiro tse di okang batho ba bantsi ba tshwaraganela tiro le beng ba yone gore ba kgone go ya go tsaya madi. “Letsatsi la gompieno le tsamaile sentle ka bontsi bo supile kgatlhego mo go feng madi, mme keletso ke gore batho ba tle kwa sepatela ba tle go fa madi.” economy_business_and_finance 3 Tiego e ngongora banni ba Sehithwa Banni ba Sehithwa ga ba itumelele tiego ya gore motse wa bone o tlhomiwe kgaolo-potlana. Ba re ba tswa kgakala ba lela ka kgang eo ka jaana motse o gola mme ba ne ba solofeditswe fa Sehithwa e tlaa nna kagolo-potlana jaaanong ba ipotsa gore madiadia ke a eng. Ba supile selelo sa bone mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre Thato Kwerepe bosheng. Banni ba re ba latela ditlamelo kgakala kwa Maun ka jaana bontsi jwa diofisi tsa puso di seyo mo motseng wa bone. Kgosi Boitiro Dithapo a re tumalano e ne e le gore kgaolo-potlana eo e tlaa isa ditlamelo kwa metseng e le boferabongwe a tlatsa ka gore setsha sa dikago se ne se setse se bonwe. A re go lemosegile fa setsha se se aperwe ke dikgang ka jaana a utlwile fa bangwe ba setse ba beilwe ditsha teng e ebile maphata a a amegang a supile fa a sena madi a go atswa beng fa ba fudusiwa. Kgosi o kopile mopalamente go tlhotlhomisa kgang eo ka a lemoga e ka baka tiego ya go aga diofisi tse ba di solofeditsweng. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Maletelo Molatlhiwa, o ne a konetelela mafoko a ga kgosi a re ba solofeditse gore motse o tlaa nna kgaolo-potlana e bile ba tlaa agelwa matlhabelo. A re ba ntse ka tsholofelo ka jaana ba lebile gore go agaiwa ga diofisi tseo go tlaa tlhamela banni mebereko. Mo dikgannyeng tse dingwe, Mme Molatlhiwa o ne a supa ngongorego ka go diega ga go emisetswa ga bodiredi jo bo fudusiwang. A re ba ntse lebaka ba sena mmaboipelego morago ga gore yo a neng a le teng a fudusiwe a tlatsa ka gore le ntlo ya gagwe e setse e fetogile boremelelo jwa dirukutlhi. O ne a lela gape ka letlhoko la koloi mo kgotleng a re ba bogosi ba goga ka bokete ka jaana ba sena sepalamo. Fa a tsibogela dikgang tseo, Rre Kwerepe o ne a supa fa e le boammaaruri Sehithwa a tshwanelwa ke go nna kgaolo-potlana. A re le ene o itse fa setsha sa dikago tseo se abilwe mme go lemosegile morago gore go na le batho bangwe ba bo maipaya fela mo go sone. Rre Kwerepe o solofeditse banni fa a tlaa sala kgang eo morago. Mopalamente o ne a supa gape fa a na le tsholofelo ya gore lenaneo le lesha la go rudisa itsholelo la Economic Stimulus Programme le tlaa araba dingwe tsa dilelo tsa bone. E re dikgang di eme jalo, banni bangwe ba ne ba ikuela ka bogodu jwa leruo jo ba reng bo ba apesitse kobo ka letshoba. Ba re masaka a agilwe mo sekgweng mme dikgomo tsa bone di bolaelwa koo beke le beke di bo di rekisiwa. Ba re e re lentswa ba aparetswe ke leuba, magodu a bihisitse seemo ka jaana bontsi jwa banni bo setse fela bo itshopere. Ba re maiteko a bone a go begela ba sepodisi a itaya sefololetse ka jaana go senko e tswang lemina politics 7 Palapye o amilwe ke dikotsi tsa tsela Banni ba Palapye ga ba jesiwe diwelang ke dikotsi tsa tsela tse di diragalang mo motseng. Ba boleletse mopalamente wa bone, Rre Moiseraele Goya fa ba sa itumedisiwe ke dikotsi tsa tsela tse di tsweletseng ka go gapa matshelo a batho ntswa bakgweetsi ba tshwanetse go kgweetsa ka lebelo le le ko tlase mo motseng. Ba re tiragalo e diragetseng bosheng e koloi e thudileng ngwana ya ba ya gapa botshelo ja gagwe ga ya ba itumedisa ntswa fa kotsi e diragetseng teng go na le dikganedi tse di dirilweng go leka go fokotsa lebelo la dikoloi. Ba kopile khansele go oketsa dikganedi mo tseleng. Kgosi Samuel Maforaga wa kgotla ya Serorome le Kgosi Phetedi Ragabatsewe wa Extension 1 ba buile ba sa kgwe mathe ka dipolaano tse di diragalang mo Palapye tse di bakiwang ke go iphitisa dino. Dikgosi tse pedi tseo tsa re go le gantsi go diragala ditiragalo tse di bosula mo marekisetsong a bojalwa, batho ba sena go iphitisa dino. Ba re mo godimo ga dipolaano batho ba tlhabana ka dithipa kgotsa ba lwa mo ba felelang ba gobatsa ba bangwe. Ba kopile mapodisi go tsenya seemo se leitlho. Mo go tse dingwe banni ba dikgotla tse pedi tseo ba ngongoregile ka ditsela tsa bone, ba re di dikhuti ebile ga di tsamaege. Ba re ba dipalamo tsa sechaba ka jalo ba ba folosa kgakala ba tshaba gore dikoloi tsa bone di senyege. Fa a tswa la gagwe mokwaledi wa khansele ya Palapye Rre Goloswang Ramogala o ba tlhaloseditse fa go dirwa ga ditsela tsa Palapye go ise go felele. A re ditsela tse di neng di solofetswe go dirwa di ile tsa seka tsa dirwa fa lefatshe leno le amiwa ke kwelotlase ya itsholelo, a tlatsa ka gore khansele mo nakong eno e santse e sena madi a go tshela ditsela tse disha sekontere. A re khansele ga ya nna fela mme e kopile ba lephata la kabo ya lefatshe ba gompieno ba tsenyang ditlamelo ko Extension 11 go ba thusa go baakanya ditsela dingwe tsa Palapye. A re tsela e tshwana le e fetang fa Kgolagano College, le e fetang fa khanseleng di tla dirwa di bo di kopanngwa le tse di dirwang ko Extension 11. Rre Ramogala o tlhalositse gape fa ditsha tse di ko Serorome ele ditsha tse di kgologolo tse di saleng di bewa ke bogosi. A re ka jalo ditsela tsa teng di ditshesane ka di bapile thata le dijarata mme go nne thata go ka dira ditsela tsa mofuta o. A re Palapye ga a thulama ka jalo ga gona ko metsi a yang teng mme metsi a ema fela mo ditseleng ka dinako tsa dipula. A re mmu wa Palapye le one o botobotobo ka jalo se se felela se baka dikhuti mo ditseleng. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Tlhokomelo ya balwetse konokono ya boitekanelo Moeteledipele wa motlobo wa dibuka kwa Palapye, Rre Mackenzie Moabi o gwetlhile setshaba go ithuta go dirisa dikhomputara le maranyane. Rre Moabi o boletse fa ba lemogile botlhokwa jwa go ruta setshaba tiriso ya dikhomputara. A re go ne ga tlhangwa lenaneo la Sesigo ka 2010, le tshwaraganetswe ke lephata la banana le Bill & Melinda Gates Foundation maikaelelo e le go tlhatlhelela setshaba dithuto ka dikhomputara le maranyane. Rre Moabi a re Bill & Melinda Gates e ne ya ba abela dikhomputara le go ruta babereki ka tsone. A re dithuto di tsaya dikgwedi tse tharo gore moithuti a bo a alogile mme ba na le baithuti ba le masome a mararo le boraro ba e tlaa reng ba fetsa dithuto ba abelwe ditlankana. Rre Moabi o tlhaloseditse BOPA fa ba ipeetse seelo sa go alosa baithuti ba le masome a mabedi le boferabongwe mme go se motlhofo ka bangwe ba felela ba tlogela mo tseleng. A re baithuti ba rutwa tiriso ya khomputara ya tsatsi le letsatsi jaaka go kwala makwalo le tse dingwe jaaka PowerPoint le Excel. “Dithuto di kgaogantswe ga bedi. Go na le tse di tsenang mo mosong le mo motshegareng e le go neela moithuti mongwe le mongwe sebaka ka re itemogetse fa dikhomputara di sa lekane batho,” Rre Moabi a tlhalosa. Rre Moabi a re dithuto di tsenwa ke batho ba dingwaga tse di farologaneng, bogolo jang banana ba ba fa gare ga 20 le 35 fa bagodi bone ba le palo-potlana. A re maduo a a nametsa ka bangwe ba boela kwa go bone ka bopaki jwa gore se ba se ithutileng se ba tswetse mosola mme go ba tiisa moko go bereka ka natla go ntsha dialogane tsa maemo a ntlha. Dikgwetlho tse ba kopanang natso a re ke tlhaelo ya dikhomputara le baithuti ba ba tlogelang mo tseleng. O gwetlhile setshaba gore se seka sa itsapa. Mongwe wa baithuti, Mme Betty Nkawana wa dingwaga tse 52 o tlotlomaditse bodiredi a re o ne a sena lesedi fa go buiwa ka tsa maranyane mme dithuto di mmutse matlho. BOKHUTLO health 6 Go tsena diphuthego go botlhokwa Kgosi Tshegofatso Setumo wa Lobatse o kopile banni ba toropo eo go tsena diphuthego tsa kgotla gore ba kgone go itse ka mananeo a puso a a ka tokafatsang matshelo a bone. Kgosi o buile jalo ka mafelo a beke, mo phuthegong e maikaelelo a yone e neng ele go itsise banni ka tshwetso ya puso ya go godisa Botswana College Of Agriculture (BCA) go nna university ya temo thuo le ditsa-tlholego. A re kgotla ke sone sesana se mala a ditlhabololo tsa matshelo a batho a gamelwang mo go sone ka jalo, go tlhoka go tsenelela diphuthego ke go ithontsha sebaka sa go itse le go amogela mananeo a puso. O tsweletse a re ka go tsenelela diphuthego motho o a bo gape a supa lorato mo lefatsheng la ga gabo. Kgosi Setumo o lebogile lekoko go tswa kwa sekoleng seo go bo ba lekodisitse banni ba Lobatse ka diphetogo tse di sha, a tlatsa ka gore go dira jalo ke go supa lorato mo go bone. A re mme o solofela fa go godisiwa ga sekole seo go tla a thusa gore se kgone go ruta dithuto tse di ka tlhabololang temo thuo, gore mhama oo o nne le seabe se se bonalang mo itsholelong ya lefatshe leno. E ne e rile a a fa tekodiso moeteledi pele wa lekoko leo, Mme Boingotlo Sebolai a supa fa puso e tsere tshwetso ka e lemoga fa sekole seo jaanong se godile mo e bileng se ka ikemela. A re fa se ikemetse kanosi se tla a kgona go tokafatsa dithuto tsa sone le go oketsa dipalo tsa baithuti go tswa kwa go 3000 go ya kwa go 5000, selo se a reng se tla a thusa go fokotsa madimadi a puso e a dirisang go ruta bana kwa mafatsheng a sele. A re ba solofetse fa sekole seo e tla a re ka 2018 e bo ele university e e feletseng. Bokhutlo politics 7 Ba rotloediwa go ipelega Mothusa kgosi wa Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Makgabane Tsiane a re nako e gorogile gore dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di tswe ka maano a go itirela madi go a dirisa mo ditlhabololong tsa metse go na le go ikaega ka thuso e e tswang mo pusong fela. Kgosi Tsiane o boletse mo potsolotsong gore dikomiti tse, segolo jang tsa metse selegae di tshwanetse go loga maano go bona gore di ka dira madi jang ka jaana go supagetse fa di saletse morago go na le tsa ditoropo. Kgosi o kaile fa kwa motseng wa Takatokwane ba itomile molomo wa tlase go bona gore ba diragatsa ditlhabololo mo motseng wa bone ka madi a ba a itiretseng. Bosheng jaana maloko a komiti ya motse wa Takatokwane ba ne ba etetse dikomiti tsa Gaborone ka maikaelelo a go ya go tsaya malebela ka fa ba dirang ka teng ka jaana dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe. Kgosi Tsiane o supile fa ba ne ba tseneletse dithuto tse di neng di rulagantswe ke ba khansele ya Gaborone go ya go tsaya malebela mo dikomiting tsa koo ka bone ba gatetse pele mo dilong di le mmalwa. Kgosi o tlhalositse fa e ne ya re ngwaga o o fetileng ba kwalela dikomiti tsa metse ya ditoropo ba kopa gore ba ba rutuntshe mme ya Gaborone ya amogela kopo ya bone. O tlhalositse fa dikomiti tsa Gaborone di dirile di le mmalwa jaaka dikole tsa bananyana ka madi a ba a itiretseng mme ba sa a fiwa ke puso ka jalo a re le bone e le ba Takatokwane ba ikaeletse go dira seo. A re dikomiti tsa metse ya ditlhabololo kwa metseng ya selegae ba dira madi ka go hirisa matlo a VDC a le one bontsi ja sebaka a nnang a le mo seemong se se sa kgatlhiseng. A re morago ga go boa kwa Gaborone ba ikaeletse go tlhabolola matlo ao ba a baya mo seemong se se botoka b abo ba a tsenya le motlakase gore ba hirisetse badirelapuso ka jaana ba tlhaelelwa ke boroko. O supile fa komiti ya Gaborone e ba solofeditse go ba batlela kompone e e tla ba thusang ka tsa madi go netefatsa gore ba itirela di le dintsi ba sa thusiwe ke puso ka le yone e tlhaelelwa ke madi. O gwetlhile dikomiti tsa metse ya selegae go etela dikomiti tsa metse setoropo go ya go kopa dithuso le gone go anya botsipa ka bone ba gatetse pele fela thata. Kgosi Tsiane o gateletse botlhokwa jwa go itsaya tsia ga maloko a dikomiti tsa metse ka jaana e le baeteledipele ba metse e bile ba tshwanetse go dira tiro eo ka manontlhotlho le lorato. BOKHUTLO politics 7 Mabitla ke lefatshe la morafe Mothusa modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Mmathethe Rre Kabelo Masilonyane a re ga go a tshwanela gore go beelwe ope sebata sa lefatshe mo teng ga mabitla. O buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Mokgomane a re mabitla ke lefatshe la morafe ka jalo ga go ka fa molaong gore, batho bangwe bone ba tlogelelwe sebata sa lefatshe gore nako ya ba tlhokafala ba fitlhelwe foo. A re go dira jalo ke go baa setsha mo lefatshing la morafe. Rre Masilonyane o ne a araba mongwe wa banni yo o neng a batla go itse gore a go ka fa molaong gore e re mabitla a tswetswe a bo go tswelelwa go bolokwa batho bangwe mo go one go twe ba ne ba tlogeletswe sebata sa gore ba bolokwe foo. O kopile banni ba Mokgomane gore fa e le gore ntse ba dira jalo ba emisa go dira jalo. A re fa go na le dibata tsa go nna jalo go bolokwe mo go tsone mme go seka ga tlhola go boelelwa phoso eo gape. A re kana go raa gore go tlogelwa lefatshe le le lentsi mo teng ga mabitla a bo go kopiwa mabitla a masha go twe mabitla a tletse ntswa go sa nna jalo. society 9 Pula ya matlakadibe e bolaile mosimanyana Kgosi Segale Letshele wa kgaolwana ya Phase IV kwa Francistown a re ga a itumedisiwe ke boitsholo jo bo makgasa jwa banana ba kgaolo ya gagwe. Fa a bua mo puisanong le BOPA bosheng, Kgosi Letshele o ne a tlhalosa fa ditsheko ka bontsi kwa kgotleng ya gagwe e le tse di amang banana. A re fa e sale ngwaga ono o simologa, o setse a atlhotse dikgang di feta makgolo a mararo tse bontsi jwa tsone di amanang le banana. O supile fa melato e akaretsa go dirisa puo e e botlha, go utswa kwa mabenkeleng, dintwa, tse nako nngwe go dirisiwang dilo tse di borai di tshwana le dithipa, dipekere, melangwana le tse dingwe. Kgosi Letshele a re gangwe le gape mabenkele a matona jaaka Shoprite, Spar, Choppies le a mangwe, ba tsisa boikuelo jwa banana ba ba utswileng dilwana kwa kgotleng ya gagwe. A re se se ngomolang pelo le go feta ke gore bangwe ba banana bao ke bana ba dikole, go balelwa le ba tse dipotlana. O tlhalositse fa go thibelela ga banana mo mekgwatheng fa ba tswa dikoleng ba sa ye malwapeng e le gone mo go felelang go baka gore ba raelesege ba bo ba ya go ipha dithoto kwa mabenkeleng. O supile fa go dirisa nnotagi le ditagi phetelela le gone e kuketsa go tlhoka go itshwara sentle ga banana, mme e bile bangwe batsadi e le bone ba ba rekisetsang ditagi tse di borai jaaka motokwane. A re o kile a buisana le dikomiti tsa ditlhabololo tsa kgaolwana ya gagwe gore ba bee leitlho seemo sa majalwa a a dirwang mo malwapeng, go netefatsa gore bagwebi ba one ba sala molao morago jaaka go tswala dikgwebo ka nako, a tlhalosa fa mafelo a nnotagi a oka banana kwa ba felelang ba dira tse di duleng mo tseleng teng. Kgosi Letshele o gateletse gore le fa go ntse jalo, fa a sa le a simolola go letsa thupa kwa kgaolong ya gagwe, dikgetsi tse di amang maitsholo a a makgasa a banana di wela tlase. Kgosi a re e re le ntswa kgolegelo e ka thusa go aga banana, go ba tlatsa ka dikgolegelo go ka ama bokamoso jwa bone le jwa lefatshe la Botswana. O ne a ikuela mo batsading go ruta bana molao ba sale bannye go balelwa le go ba kgalemela fa ba dule mo tseleng ka go twe lo ojwa lo sa le metsi. O buile fa malwapa mangwe e le kwa ga mmapereko, batsadi ba lwela fa pele ga bana, e bile go sena kgalemo e e tseneletseng mo baneng, mme se se felela se rotloetsa bana go tlhoka tsebe. A re baruti kwa dikerekeng le bone ba ka thusa go netefatsa fa bana ba gola ba utlwa molao wa Modimo o o ka ba rotloetsang go itshwara sentle. Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Thusang le go dirisana le baoki Modulasetilo wa khansele-potlana ya Tutume, Rre Ishmael Mokgethi, o kopile batsadi ba ba nang le balwetse go dirisana sentle le baoki le go thusana go ba oka. Rre Mokgethi o ntshitse kopo eo kwa moletlong wa malatsi a botsalo a morena o o neng o diretswe balwetse ba ba robaditsweng kwa kokelong ya Tutume ka Laboraro (Sedimontlhole a le lesome le bone). A re batho ba na le go phuaganya balwetse ba bone kwa kokelong ba bo ba tsena ka ga re itse le go lekola molwetsi tota ba sa dire jalo, le fa ba leletswa go tla go tsaya molwetsi a ntshitswe mo kokelong ba sa tle go mo tsaya. O ne a supa fa seo se rwesa kokelo mokgweleo o motona tota ka jalo a kopa batho go itse fa balwetse ba tlhokana le lerato le tlhokomelo gore le bone ba kgone go kokobalelwa ke ditlhabi. Rre Mokgethi a re mokgwa o mongwe o gape o o sa itumediseng ke wa batsadi ba ba tlhaselang baoki ka mafoko a a botlhoko, a re seo ga se botho ka jalo fa go na le sengwe se se sa tsamayeng sentle ba tshwanetse go sala tsamaiso morago ya go ikuela gore phoso e baakangwe nako e sale teng. O tsweletse a akgola badiri ba botsogo ba kokelo eo ya Tutume go bo ba ne ba bona go tshwanela go direla balwetse moletlo oo, a gatelela ka gore seo se oketsa botsalano le balwetse ka jalo ba tlaa lemoga fa baoki ba tshwenyega ka matshelo a bone mme seo se tlaa ba fa tshepho mo go bone. Rre Mokgethi o ile a leboga botlhe ba ba neng ba ititaya ka thupana ba ntsha bonnyenyane jo ba nang najo go ngathogana le balwetse. O ne a gatelela ka gore se ba se dirileng ba supile fa ba le setshaba se se kutlwelo botlhoko se se tlhokomelang batho botlhe. Mogolwane kwa kokelong ya Tutume, Mme Nametso Moatswi a re maikaelelo a moletlo oo e ne e le go ipela le balwetse ba ba robaditsweng mo kokelong eo go ba fa lorato le go ba lemotsha fa ba ba eme nokeng e bile ba eletsa ba ka bo le bone ba se foo ba ipelela malatsi a morena le ba malwapa a bone. Mme Moatswi a re gape moletlo oo ke go nonotsha botsalano jwa bone le balwetse le go aga mowa wa tirisano mmogo. O ne a lebogela batho ba motse wa Tutume, dikereke le dikompone tse di ikemetseng ka nosi kemo nokeng e ba e supileng go tshwaraganela moletlo oo gore o atlege ka go ba abela dimpho go di abela balwetse. Gape o tsweletse a bolela fa ba tlaa abela balwetse ba ba robaditsweng mo nakong ya gompieno mo go ka senyegang ka pele, mme tse dingwe dimpho ba tlaa di aba ka letsatsi le legolo la botsalo jwa Morena. health 6 Tema o rotloeditse ba Taung go dirisa mananeo a puso Molaodi wa Borwa Botlhaba, Rre Ian Tema o rotloeditse banni ba Taung go tsaya mananeo a puso a itshetso go tokafatsa matshelo a bone. Molaodi Tema o buile se bosheng fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo. A re puso e ntshitse mananeo a nyeletso lehuma go tokafatsa matshelo a banni, ka jalo go le botlhokwa gore banni ba akole mananeo a. O ne supa fa mananeo mangwe a setse a tsobogetswe ka bontsi mme go tla mo nakong ya gore ba simolola go fokotsa go amogela ikopela ya mananeo ao. O ne a kopa banni go tla ka dikgwebo tse di ka ba tlhabololang. Rre Tema a re kwa ntle ga lenaneo la nyeletso lehuma, go na le mananeo a magwe a a akaretsang lenaneo la banana le a ba lephata la bong. A re go mo maruding a banni go bona fa ba ema ka dinao go batla kitso ka mananeo a, a bo a gakolola ba ba akotseng mananeo go nna le dibuka tse di supang gore madi a dirisitswe jang. Molaodi o ne a re keletso ke gore fa banni ba filwe mananeo a puso ba leke ka bojotlhe gore ba a tlhokomele le go a dirisa ka fa molaong. Mo go tse dingwe Rre Tema o ne a tlhalosetsa morafe ka molao o o mo tirisong wa bana, wa go kwala maina a batsadi ka bobedi mo matsalong a ngwana. A re go botlhokwa gore batsadi ba lebelele dikgatlhego tsa ngwana gore a bone lerato, botsogo, dijo le sekolo. Rre Tema o ne a supa fa ngwana mongwe le mongwe a na le ditshwanelo, ebile a tshwanelwa ke go tlotla motsadi le go nna le boikarabelo jwa gore a kgalemelwe. O ne a supa fa ba tswenngwa ke go bona bana ba ba tswang mo sekoleng ka ntata ya boimana, jo bo felelang bo dira gore ba senyegelwe ke sekolo. Molaodi o ne a kopa borre gore ba ikgalemele ba tlogele bana ba gole ba seka ba ba dira basadi, ka go ba dira jalo e le kgokgontsho. Fa a tswa la gagwe kgosi ya Taung, Rre Lebogang Masie a re go botlhokwa go tla ka molao o o gagametseng wa go sireletsa ngwana. A re e le baeteledipele ba tshwenyega ke go bona bana bangwe ba sa tlhokomelesege. Kgosi o ne a supa gore ba tshwenyega thata ke gore fa go dirwa ditlhabololo o kare Taung o a lebalwa. Banni ba ne ba ikopela gore fa go dirwa ditlhabolo di dirwa mo kgaolong go lekwe gore di lekalekanngwe gore botlhe ba di akole. Bokhutlo. society 9 Banana ba itlhamela ditiro ka lenaneo Banana bangwe kwa Shoshong ba eme ka dinao go itlhamela mmereko ka go inaakanya le dikgwebo ka go farologana. Rre Moses Malepe o itlhametse kgwebo go itshetsa le go tlhamela banana ba bangwe ditiro. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Malepe o boletse fa kgwebo ya gagwe e le ya bodisadikago. A re o na le dingwaga a tlhamile kgwebo ya gagwe mme o ne a sena ditsompelo tsa go phadisana le dikhamphani tse dingwe tsa bodisadikago. O kaile fa a ne a ikopela dithuso mo lephateng la banana mme a thusiwa ka P100 000 ka lenaneo la Youth Development Fund (YDF) ka kgwedi ya Ngwanatsele ngwaga o o fetileng gore a kgone go godisa kgwebo ya gagwe. O boletse fa a ile a hira banana ba le lesome go nna badisadikago mo go bone go na le bomme ba le bane. O tlhalositse gore le fa dithendara tsa bodisadikago di se dintsi mo Shoshong, o nna a batlela kgwebo ya gagwe dithendara tsa go disa dikago mo mafelong ka go farologana gore kgwebo e kgone go tswelela. Rre Malepe o thalositse fa kgwetlho e tona e le phadisano e e mashetla. O tlhalositse gore go kabo go le botoka fa dithendara dingwe tsa go disa dikago di seegelwa fa thoko gore di dirwe ke banana ba motse go na le gore di fiwe dikhamphani tse di tona. Le fa gontse jalo, Rre Malepe o thalositse fa kgwebo ya gagwe e mo thusitse fela thata ka gore gompieno o kgona go itshetsa ka dipoelo go tswa mo kgwebong ya gagwe, gape o kaile fa a fetotse matshelo a banana ba le lesome ka go ba tlhamela ditiro. Rre Monei Gadise ene o dirile kgwebo ya go suga matlalo a bo a dira didirisiwa tse akaretsang rampeetshane, diphate, dihutshe, dibeke tsa bomme, dipatshe, mabante le diaparo tsa mmino wa setso. A re o tsere tshwetso ya go tsena mo kgwebong ya go suga matlalo morago ga go lemoga gore Botswana o rekisetsa mafatshe a sele matlalo, a bo a boa e le dithoto tse di dirilweng ka matlalo O tlhalositse fa a thusitswe ke lephata la banana ka P96 000 ka lenaneo la YDF mme a simolola kgwebo ya gagwe ngwaga o o fetileng o simolola. Rre Gadise o tlhalosistse fa kgwebo e se ntsi thata mo Shoshong mme go itepatepanya le seemo seo, o isa dithoto tsa gagwe kwa Serowe ko a di rekisetswang ke mongwe. A re o itshetsa ka dipoelo go tswa mo kgwebong ya gagwe. O boletse fa kgwebo ya gagwe e dira sentle mme maikaelelo a gagwe e le go e godisa a bo a thapa banana ba bangwe. economy_business_and_finance 3 Banni ba lela ka borukutlhi Banni ba dikgotlana tsa Botalaote le Madiba 14 kwa kgaolong ya Mahalapye Bophirima ba lela ka seemo se se ileng magoletsa sa borukutlhi. Banni ba ntshitse selelo mo diphuthegong tsa kgotla di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya bone, Rre Joseph Molefe bosheng. Ba kaile fa seemo sa borukutlhi se sa ba nnise sentle ka ba setse ba tshaba le gone go tsamaya mo motseng. Kwa Madiba 14, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Gareutlwane Semenete a re kgaolo ya gagwe e aparetswe ke bogodu mo ba sa tlholeng ba itse gore ba ka dira eng. Rre Semenete o ne a kopa mopalamente wa bone go tsaya kgang e ya bone tsia mme a bone gore ba ka ba thusa jang ka le tsone dikomiti di tshwana le tsa baithaopi ba sepodisi le tse dingwe tsa kgaolo ba setse ba fekeediwa ke borukutlhi jo. A re ba tlhaelelwa ke dikoloi tsa go dikologa le kgaolo go tlhabantsha borukutlhi ka jalo a kopa mopalamente go ba tswa thuso. Kgosi ya kgaolwane eo, Kgosi Rabuwe Montwedi ene o ne a kopa puso gore e ba tsenyetse dipone tse di dirisang marang a letsatsi ka jaana fa go nna lefifi borukutlhi bo a gakala. Kgosi Montwedi a re fa puso e ka ba tsenyetsa dipone tse gongwe go ka nna le phetogo mo seemong se sa borukutlhi ka jaana go nna go le lesedi mo kgaolong. Banni ba kgaolwana ya Botalaote ba ne ba tlhalositse fa go na le segopa sengwe sa banana ba ba ipitsang Boko Haram ba ba tlhorontshang banni ba ba tsenelele le go ba amoga di tsa bone. Fa a ba kgwa dikgaba, Rre Molefe o ne a gakolola banni gore ba seka ba baya fela mo pusong mme le bone ba ipope dikomiti tsa go thusana go thibela borukutlhi ka ba sepodisi ba ka se kgone ba le nosi. Rre Molefe a re ke nnete borukutlhi bo supile fa bo tshwenya thata mo motseng wa Mahalapye, mme go dira banana ba motse ka jalo a kopa banni go tshwaragana ba bue le bana ba bone gore borukutlhi ga bo busetse. Fa a bua ka dipone tse di dirisang marang a letsatsi, Rre Molefe o ne a dumelana le bone mme a tlhalosa fa a tlaa di kopa kwa lephateng le le lebaneng gore a ba ka se di tsenyediwe. Kwa Botalaote, Rre Molefe o ne a tlhalosa fa puso e lemogile go busetsa diofisi tsa mapodisi tsa pele mo tirisong, ka moo e ntshafatsa dikago tsa pele go bona gore e thusa setshaba mo borukutlhing jang. A re dikago tse di kopane gape le go ntshafatsa matlo a borobalo a mapodisi gore e re ba okelediwa mapodisi mo motseng wa bone ba seka ba sokola ka dikgang tsa boroko. A re ditlhabololo tse di dira gore batho ba tle ba nne ka tshosologo, ka ke maitlamo a puso go bona gore Motswana mongwe le mongwe o nna ka tshosologo gongwe le gongwe fa a leng teng. Rre Molefe o ne a tlatsa ka gore puso e ntshafatsa gape sepatela sa pele go leka go fetola seemo sa mosuke kwa sepateng se sesha, ka dipego di supa fa batho jaanong ba sukagana kwa sepateng se sesha crime_law_and_justice 1 Go tlhatlhoba mmu go botlhokwa Balemi ba kgaolo ya Borwa ba kopilwe go tlhatlhoba seemo sa mmu mo masimong a bone pele ga ba lema paka nngwe le nngwe gore ba kgone go dira dipoelo. Go buile jalo mmabalemisi wa kgaolo eo, Mme Sentleeng Maoto, kwa moletlong wa ngwaga le ngwaga wa go ipelela thobo kwa masimong a Mmalore bosheng. A re go tlhatlhoba seemo sa mmu go ka thusa molemi go itse gore a mmu o tlhoka dikotla dingwe kgotsa nnyaa selo se a reng se botlhokwa fela thata. E re ntswa puso e thusa balemi ka menontshane mahala ka lenaneo la ISPAAD, Mme Maoto o tlhalositse fa gole borai go dirisa menontshane eo ka go abelela ngwaga le ngwaga jaaka bangwe ba dira a supa fa e ka senya seemo sa mmu fa e fitile selekanyo se se tlhokafalang go ka tshuba dijalo go bakela molemi tatlhegelo. Mme Maoto gape o rotloeditse balemi go lema mabele a tlhalosa fa a santse a nale mmaraka oo boruma mo lefatsheng leno. Are go a swabisa gore lefatshe leno le bo le santse le reka dijo kwa mafatsheng a sele le ntswa puso e ntshitse mananeo a tshwana le la ISPAAD go ba rotloetsa go itirela dijo. Ebile Mme Maoto o kopile Batswana go tswelela ka go dirisa ngwao ya go upa masimo a bone go thibela diji mo masimo jaaka dinonyane. Are go dira jalo ebile go ka thusa go direla baupi kgwebo gape go somarela ngwao. BOKHUTLO environment 5 Ntebele o kgothatsa banana go tsaya mananeo Banana bangwe ba inaakantse le mananeo a puso ka go farologana go inamola leuba. Mongwe wa banana ba ba filweng madi a banana, Mme Oakantse Ntebele o rotloeditse banana go tsaya mananeo a puso go inamola leuba gammogo le go lwantshana le seemo sa letlhoko la ditiro se se ileng magoletsa. A re mananeo a a mosola ka a ipereka e bile a hirile banana ka ene, mme seo se mo tiisitse moko mo kgwebong. E rile a bua mo potsolosong le BOPA, Mme Ntebele yo o dingwaga di masome mararo le bone a re o filwe P98 000 go bula madirelo a moriri ka 2013 mme a a bitsa OAK’s Hair Salon. O tlhalositse gore o tswa kgakala le tiro ya go loga ka a sale a e simolotse a le mmotlana a loga ba masika mme erile a se na go fetsa lokwalo la botlhano a bereka mo madirelong a moriri. A re morago ga go lemoga gore o na le botsipa a ya go ikoketsa ka go dira dithuto tsa National Craft Certificate in Hairdressing kwa Ramatea Brigade ka 2006, mme ya re morago a ipulela madirelo a moriri ka madi a gagwe go fitlhela a tsaya madi a banana go atolosa kgwebo. Mme Ntebele o tlhalositse gore kgwebo e tsamaya sentle, ka a kgona go duela madi a go hirisa, go duela babereki ka bobedi gammogo le go bona dipoelo tse a itshetsang ka tsone. “Ke thusa bareki ba me ka lorato, ke le pelotelele e bile ke itlamile go dira se ba se batlang ka bonatla go ba kgotsofatsa gore ba nne ba boele kwa madirelong a me kgapetsakgapetsa. Gape fa ke ba logile bontle ke ipapatso e e nang le maduo,” ga tlhalosa Ntebele. O tlhalosa gore fa o le mologi o tshwanetse wa loga o tlhaloganya sentle gore moreki o batlang go na le go mo dira se wena o le mologi o se batlang. A re seo ke sesupo sa gore o kgathala ka maikutlo a bone e bile ke boikarabelo jwa go ba kgotsofatsa. A re ntswa kgwebo e tsweletse sentle, go na le dikgwetlho tse a kopanang le tsone jaaka kgaisanyo e ntsi ka gore madirelo a moriri a mantsi. A re kgwetlho e nngwe ke gore balogi ba ba logang ka fa tlase ga ditlhare ba loga ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase mme seo se mmeye ka fa mosing, bogolo jang ka gore o hirisitse. Mme Ntebele a re kgwetlho e nngwe ke gore mariga batho ba loga melogo e e tsayang lobaka go fenya serame mme seo se ise kgwebo kwa tlase. O boletse gore maikaelelo a gagwe ke go wetsa sekoloto sa madi a kadimo gore a tle a kgone go atolosa kgwebo sentle. A re keletso ke go direla mo setsheng se e leng sa gagwe sa kgwebo gammogo le go atolosa madirelo ao ka go tsenya ditlamelo dingwe. O weditse ka go leboga lephata la banana go bo le mo fa dikgakololo. A re seo se mo tiisa moko go tswelela a kopa dithuso mo go bone fa a na le mathata mangwe a a ka tlhokang bogakolodi jwa bone. A re lephata la banana gape le mo thusitse gore a nne le botsipa jwa go tsamaisa kgwebo jaaka go na le buka ya dipoelo le ditshenyegelo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Mkhanselara a ngongoregela boleng jwa didirisiwa Makhanselara a kgaolo ya Legare ba supile ngongora ya bone mabapi le boleng jwa didirisiwa tse rakonteraka yo o agang mafetlhelo a motlakase a Morupule a di dirisang. Ba buile jalo mo puisanong e ba neng ba e tshwere le mogolwane wa kompone ya Botswana Power Coorporation (BPC),Rre Gaolatlhe Kelesitse yo a neng a tsile go ba lekodisa ka seemo sa motlakase mo lefatsheng leno. Rre Kelesitse o tlhaloseditse makhanselara gore dipitsa tsa motlakase tsa Unit 1 le 2 tse di feditsweng go dirwa ngogola di na le bothatanyana jwa go dutla, mme se ke sone se dirang gore motlakase o tlhaele phetelela. O tlhalositse fa seemo seo rakonteraka a tshwaragane le go se baakanya mme tsholofelo ke gore e tlaa re mo bogaufing seemo se nne botoka ka di tlaa bo di feditswe go baakanngwa. Fa ba mo kgwa dikgaba, makhanselara a ntshitse matshwenyego a gore go lebega go dirisitswe didirisiwa tsa boleng jo bo kwa tlase. Mokhanselara wa kgaolo ya Nkange, Rre Israel Jersey o ne a botsa gore go tla jang gore e re e le gone go fediwang go aga go bo go setse go buiwa ka dipaakanyo, a re se ke sesupo sa gore go dirisitswe dilo tse di senyegang ka bonako. Rre Majaha Polson wa Dukwi, ene o kopile Rre Kelesitse gore ba ne ba buwa le ba-na-le seabe fa go na le mathata go na le gore dikgang tsa bone di tswe ka babegadikgang, a re seemo se ke sone se bakang go latlhegelwa ke tshepo ga batho mo komponeng. Rre Kelesitse o ne a tlhalosa gore makgwere a a kwa pitseng ya Morupule B ga se selo se sesha mo ditirong tsa mofuta o, a fa sekai ka Morupule A gore le yone fa e simolola go ne ga nna fela jaana. O tlhaloseditse makhanselara gore tiro e, e sa ntse e le ka fa tlase ga rakonteraka ka jalo ke ene a tshotseng maikarabelo a dipaakanyo. politics 7 Banana ba lebanwe ke dikgwetlho Go lemotshegile fa banana ba lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi mo dikgwebong tsa bone. F a a bua mo potsolotsong bosheng, monana yo o mo kgwebong ya dipodi le dikoko tsa Setswana kwa Tonota, Rre Mathambo Samuel, o ne a supa fa dipaka di fetogile mme jaanong go tsamaisa kgwebo go sa tlhole go le bonolo jaaka go kile ga bo go ntse ka ntlha ya go sa bone bareki motlhofo. A re letseno le le kwa tlase le paledisa banana ba bantsi ba ba thusitsweng ka madi ke lephata la banana go a busa. Rre Samuel a re ke boikarabelo jwa banana gore ba nne le boammaruri mo ditirong tsa bone, a supa fa seabe sa batsadi e ka nna go bua le bana ba bone gore ba buse madi a ba a adimilweng go itshimololela dikgwebo. Rre Gofamodimo Ntanda wa Mmandunyane, a re lengwe la mabaka a a paledisang banana go busa madi ke gore dikgwebo tsa bone ga di tswelele sentle, ka e rile mothaong wa tsone tsa seka tsa dira dipoelo sentle. A re se se dirwa ke gore nako le nako fa go na le mathata mo kgwebong, banana ba a itlhoboga, ba sa boele kwa diofising tsa banana go kopa kgakololo ya gore tsela ba tseye efe. O tsweletse a re kgwebo e tsweledisiwa ke bopelotelele le go sa ineela fa go na le dikgwetlho. Mme Goitseone Moseki wa Mmandunyane ene o ne a kopa puso go nolofatso tsamaiso ya go bona madi a go simolola kgwebo. A re bontsi jwa banana bo eletsa go tsaya madi a lenaneo la bone, mathata e nne gore ba batlwa dilo di le dintsi go simolola dikgwebo, ka jalo ba kgobege marapo ba ise ba bone thuso. A re ga go thuse sepe gore madi a nne a boela mo letloleng la puso a sa tsewa ke ba a ba lebaganeng, mme a swetsa ka go rotloetsa banana gore tiro ya diatla e bogadi bo gaufi fa yo o e dirang a tlhoafetse, ka jalo o gwetlha banana go inaakanya le yone. economy_business_and_finance 3 Monana wa Tutume o abetse mogodi dimpho Kgosi Morgan Kenalemong wa kgotla ya Timbi mo Tutume o akgoletse monana wa Tutume, Rre Wachila Khani tiro e ntle e a e direlang setshaba. Kgosi Kenalemong o ntshitse kakgolo eo ka nako ya fa Rre Khani a ne a abela Mme Noyi Mashagwa wa dingwaga tse di lekgolo le lesome le motso dijo, melora le kobo kwa Tutume bosheng. A re monana yoo, o itshupile fa a na le boikarabelo mo setshabeng, ka o nna a tsenya letsogo go thusa batho ka banni ba motse ba bua ba sa kgale mathe ka dithuso tse ba di akolang mo go ene nako tsotlhe. O ne a mo opela legofi a re o botlhale, e bile o ka tlhabololola motse, ka o kgonne go lemoga fa bagodi ba le botlhokwa mo setshabeng. A re go le gantsi fa motho a godile ga gona batho ba ba mo gopolang. O ne a gatelela ka gore Mme Mashagwa o lesego mo botshelong ka monana o kgonne go mo lemoga. O ne a gwetlha banana ba bangwe go tsaya malebela mo go Rre Khani go thusa fa ba ka kgonang teng. Rre Khani, yo e leng mookamedi wa madirelo a Dominic Studio kwa Tutume, o ne a bolela fa a ne a rekela mosadimogolo kuku ya matsalongogola fa a ne a digela dingwaga tse di lekgolo le lesome le bongwe, mme ya re gompieno a bona se a neng a se dirile se ne se sa lekana, a felela a reka dijo le kobo tse di lopileng P1 500. A re o ne a bona go tshwanela go tsaya kamogelo ya gagwe ya kgwedi go rekela mosadimogolo dimpho. O boletse gore ka Setswana se re ‘moeng goroga dijo di bonale’ o ne a bona go tshwanela gore a tsamae a tshwere sengwe go ya go dumedisa mosadimogolo. society 9 Banni ba kopiwa go tlotla bogosi Banni ba Borotsi kwa kgaolong ya Tswapong ba kopilwe go tlhompha dikgosi tsa bone le kgotla. Mothusa Kgosi wa motse oo, Kgosi Thabakanaka Israel o ntshitse kopo e mo potsolosong. Kgosi Israel a re go swabisa nko go feta molomo go bona ka fa seriti sa bogosi le kgotla se tsweletseng ka go wela tlase ka teng. O ne a fa sekai ka gore batho bangwe fa ba le mo kgotleng ba kgona go bua mafoko mangwe le mangwe fela ka fa ba batlang ntle le go tlotla lefelo leo. A re dingwe dikgang tse di tshwenyang gape ke tsa batho ba e reng fa kgosi a ba bitsa kwa kgotleng ba bo ba gana. Kgosi Israel o tsweletse ka go supa gape fa a tshwenngwa ke go tlhoka go tlotla dinako tsa pereko ya dikgosi mo banni ba go dirang. A re bangwe ba kgona go tla go kopa thusa nako ya bone ya go ya dijong tsa motshegare e setse e fitlhile mme e re fa ba lebisa motho yo o kopang thuso lebaka le, motho yoo a bo a tsaya gore kgosi ga a dire tiro ya gagwe ka fa tshwanelong. Kgosi o ne a itsise morafe wa gagwe gore fela jaaka babereki ba bangwe ba puso, Kgosi o tsena mo ofising phakela ka nako ya metsotso e le masome a mararo morago ga nako ya bosupa mme e re metsotso e le masome a mane le botlhano go yeng kwa nakong ya bongwe Kgosi a nne le sebaka sa go ya kwa dijong tsa motshegare. A re mme morago ga oura a boele mo ofising go tla go tsweledisa tiro ya gagwe ya letsatsi go fitlha ka nako ya metsotso e le masome a mararo morago ga nako ya bone a bo a wetsa tiro ya gagwe ya letsatsi. Kgosi o ne a kopa morafe go tlhaloganya dinako tse thata a re gantsi di tsosa kgaruru mo kgotleng batho ba bolela fa dikgosi di sa bereke. Kgosi Israel o ne a tswelela ka gore selo se sengwe se se mo tshwenyang ke go tlhoka go fa dikgosi morero. A re mo motseng go kgona go nna le ditiro tsa morafe mme e le dikgosi ba sa reriswe sepe. A tlhalosa fa go tlhoka go fa kgosi morero o o mo amang e se tsamaiso ya Setswana.BOKHUTLO society 9 BoFiNet e abela baithuti ba basetsana Badiri ba Botswana Fibre Networks (BoFiNet) ba abetse basetsanyana ba le makgolo a mabedi, masome a robabobedi le bone ba sekole se segolwane sa Lerala mesangwana ya bomme e le 1 914. Mesangwana e, e tlaa ba tlamela kgwedi tse nne fa mongwe le mongwe a tsaya mephuthelwana e le metlhano. Fa a rola mesangwana eo, mogolwane go tswa kwa BoFiNet, Mme Ogone Madisa-Kgwarae, o boletse fa ba sa itebaganya fela le maranyane ka ba kgona go tsenya letsogo mo go thuseng setshaba. Mme Madisa-kgwarae a re go supagala fa basadi ba se bantsi ba ba tshwereng maemo a a kwa godimo mme se e le ka ntata ya gore ba ka tswa ba sa kgona go atlega mo leetong la thuto. A re nngwe ya dilo dingwe tse di kgoreletsang ngwana wa mosetsana fa a gola ke go bona setswalo. A re nako ya fa ngwana wa mosetsana a bona setswalo o a etsaetsega, mo gongwe go nne le kgatelelo mo batsading, ba leka go tlhalosa, go mo fa tsela le boammaaruri le go mo ema nokeng. Batsadi ba a ne ba leka go mo tlhalosetsa gore a itlhokomele jang le gore o ka ima fa a ka tlhakanela dikobo mme seo gape e nne kgwetlho mo go bone. Mme Madisa-Kgwarae a re fa bangwe ba simolola setswalo ba ne ba bolelelwa gore ba seka ba tshameka le bo kgaitsadiabone mme seo se seke se ba tseye sentle fa bangwe ba ne ba tshwanelwa ke go nna fela kwa lwapeng mo nakong e e rileng kgwedi le kgwedi. A re bangwe ba basetsanyana ba ne ba kgobiwa kana ba tshegwa ke ba bangwe ka nako e. A re mo dinakong tse dingwe se se tsewa motlhofo mme se kgona go diga maikutlo a ngwana wa mosetsana e bo e nne mabaka a gore a nne kwa lwapeng go fitlhela setswalo se ema mme seo se ame dithuto tsa gagwe. A re go a supagala gore selo sa tlholego jalo se ebileng se le botlhokwa jo bo kalo, se ka kgoreletsa bokamoso jwa motho. Mme Madisa-Kgwarae a re dikgang tse di utlwisa botlhoko, ka jalo a re bana ba basetsana ba tlhoka kemo nokeng gore ba fitlhelele ditoro tsa bone. A re kemo nokeng eo ke gore borre kana bana ba basimane ba tlhaloganye se se diragalang mo botshelong jwa ga kgaitsadiabone. Ngwana wa mosetsana o ka engwang nokeng ka go mo neela mesangwana gore a ikutlwe a le motlotlo, mme a tsweletse le tiro ya gagwe ya sekole a sa tshwenyegegore o ka itlatsa leswe. Mme Madisa-Kgwarae a re ga se mongwe le mongwe yo o kgonang go reka mesangwana kgwedi le kgwedi, ke sone se mmereki mongwe le mongwe wa BoFiNet a neng a tsenya letsogo go thusa go reka mesangwana e. A re le fa bangwe ba ne ba sa tlhaloganye botlhokwa jwa mesangwana, mo ngwaneng wa mosetsana bogolo jang borre, ba ne ba felela ba tlhaloganya mme le bone ba nna le seabe mo go thuseng. Fa a amogela dimpho tseo, mothusa mogokgo wa sekole, Rre Boniface Chifana o ne a lebogela dimpho mme a supa fa di tlaa thusa baithuti. O ne a lebogela BoFiNet go bo ba ne ba seka ba aba dimpho fela mme ba ruta basetsana ka go itlhokomela fa ba le mo setswalong. BoFiNet ke nngwe ya dikhamphani tse di ba fileng thuso ebile ba itumelela seo. O kopile dikhamphane tse dingwe go ba thusa ka mo ba ka kgonang teng ka ba na le letlhoko le le ntsi. health 6 Bethlehem Faith Mission e ipelela boipuso ka kopelo E rile ka mafelo a beke kereke ya Bethlehem Faith Mission ya kopanela kwa Mahalapye go ipelela boipuso jwa monongwaga. Ba ne ba kopantse thuto seka dipuisano le moletlo wa kopelo. E rile a simolodisa moletlo oo, mokwaledi mogolo wa kereke, Rre Molatedi Semadi a tlhalosa fa Batswana ba na le seabe mo go ipeleleng boipuso jwa monongwaga. A re go galaletsa Modimo ka kopelo le thapelo go supa se ruri Batswana e leng sone, a tlatsa ka gore bogologolo dikereke di ne di sa letlelelwe go rapela mme ke ka moo ba tshwanetseng go keteka boipuso jwa monongwaga ka se se diragala. A re go kwadilwe mo Baebeleleng gore dikereke di ka ipela le go opela dipina ka go dirisa gotlhe mo ba nang le gone, ba dirisa diletso ka go farologana go supa fa tota ba leboga Modimo. Rre Semadi a re Batswana ba tshwanetse go ema ka dinao ba rorisa Modimo ba mo leboga ka go sena bape ba ba ba tsenang mo dikgolegelong gotwe ba kganelwa go rapela, mme ba tshwanetse go leboga puso ya lefatshe leno go bo e dirile gore se se kgonagale. Rre Semadi o ne a gatelela gore kereke e tshwanetse go nna sekao mo go ba bangwe go supa fa tota go ne go se motlhofo gore lefatshe la Botswana le nne dingwaga tse di masome a matlhano mme ba tshwanetse go leboga Modimo. Fa a tlhalosa maikaeleo a thuto seka dipuisano, modulasetilo wa dikhwaere tsa kereke e, Rre Emmanuel Mmusi a re ba tshwara thuto seka dipuisano tse ngwaga le ngwaga. Rre Mmusi a re e le ba kereke e ba ne ba simolodisa dikhwaere ka ba lemogile fa ba kopana fela ka malatsi a paseka mme ba bona gore ba tswe ka mananeo a ka one ba ka godisang moopelo mo kerekeng ya bone. O ne a tlhalosa gore gantsi fa ba tshwere dithutothutano tsa ba a aba gape le ba go tshwaretsweng letsatsi le mo go bone, a tlatsa ka gore monongwaga ba aba mo Mahalapye ba abela ba sekole sa banale bogole sa Central Associsation for the Blind and Disabled, melora le tse dingwe tse di tlhapang. A re e le kereke le bone ba batla go nna le seabe mo mananeong a lefatshe leno le a dirang a tshwana le a go direla bao ba ba sa kgoneng, go ba fa seriti. A re kereke ya bone gape e ikaelela gore ka tsone dithutopuisano tse tsa ngwaga le ngwaga, ba tlhabolole dikago tsa dikereke tsa bone gongwe le gongwe kwa di teng, gore le tsone di lebege. Rre Mmusi o ne a tlhalosa gape gore e le kereke ba bone go le botlhokwa gore monongwaga jaaka Batswana ba bangwe le bone ba tsenelele meletlo ya boipuso go supa tota gore le bone ba a ipelela ke ka moo ba beileng setlhogo sa monongwaga. Letsatsi leo le ne la natifisiwa ka dikhwaere tsa moopelo di akaretsa Inter-Special go tswa kwa Palapye, Baemedi ba Morena go tswa Gaborone, Kagiso go tswa Serowe, Bophelo go tswa Mahalapye, Green Pastures go tswa Mmadinare, Batlang Morena go tswa Thamaga, Maphoi go tswa Letlhakane, Melodious go tswa Letlhakane le tse dingwe. religion_and_belief 8 Lekgotla le ipaakanyeditse ditlhopho E re ka jaana go setse malatsi a se kae gore lefatshe leno le ye ditlhophong, ba ofisi e e ikemetseng ka nosi ya ditlhopho (IEC) ba semeletse go tlhatlhelela ba-na-le seabe ka dikgang tse di amanang le ditlhopho le ka fa ofisi ya bone e tsweletseng ka teng go baakanyetsa ditlhopho tse. E ne ya re kgwedi eno e le masome mabedi le bosupa, ba lekalana leo ba bo ba rulagantse ithutuntsho ya ba-na-le seabe ba Bokone Botlhaba, ba gareng ga bone e neng e le ba ba eletsang go emela ditlhopho. Fa ba ema bokopano joo ka lefoko, dibui ka go tlhatlologana di boletse fa tsamaiso ya ditlhopho e le thulaganyo e e masisi, e e tlhokang go dirwa ka matsetseleko. Ba-tsena ithutuntsho eo ba ne ba tsibosiwa ka dintlha tse di tlhokegang gore ditlhopho di tsamaye ka thelelo, e le ka maikaelelo a go tshegetsa serodumo sa kagiso le puso ya batho ka batho tse di renang mo lefatsheng leno. Mokwaledi mogolo wa IEC, Mme Keireng Zuze a re go botlhokwa gore ba-na-le seabe ba tseye boikarabelo jwa go itse le go tsaya ka tlhoafalo ditsetlana tsotlhe tse go tlhokwang gore ba di sale morago. A re seo se tlaa netefatsa gore ga ba kgopakgopetsane le molao o o tsamaisang ditlhopho. Mo go tse dingwe, Mme Zuze o ne a gwetlha ba diphathi tsa sepolotiki go tshwaragana le ofisi ya bone tebang le go lwantsha ditsamaiso dingwe tse di sokameng, tse gantsi bangwe ba inaakanyang le tsone mme e le tse di ka nnang le seabe mo go kgotleleng puso ya batho ka batho. O supile tlhobaelo ya go bo batho ba ikwadiseditse ditlhopho ka boutsana ntswa ikwadisetso ditlhopho tsa monongwaga e ne ya bulelwa mo makgethong a le mararo. Ka jalo a re go botlhokwa gore batlhophi ba nne ba rotloediwa go ikwadisetsa ditlhopho ga mmogo le go tlhopha. Mokwaledi o ne a gakolola ba-na-le seabe go tswa ka megopolo ya go baakanyetsa ditlhopho tsa 2024. Fa a tswa la gagwe, moanamisa mafoko wa ofisi ya IEC, Rre Osupile Maroba a re e sale lekalana leo le tlhamiwa ka 1994, le dirile maiteko a go tla ka maano a go rutuntsha batho ka ditlhopho. A re batho ba tshwanetse ba tlhaloganya gore ditlhopho tsa lefatshe leno di tsamaisiwa ka molao, e seng maikutlo, a kaya fa ofisi ya IEC e tsaya ka tlhoafalo ntlha ya therisanyo. Mogolwane wa ofisi ya IEC kwa Francistown, a lebagane le kgaolo ya Bokone, Rre Lebonetse Maifala o ne a tlhalosetsa batsena dithuto tseo fa go ya ka molao wa ditlhopho, ope yo o ka ikamanyang le ditsamaiso tse di gotlhanang le melawana ya ditlhopho a ka tseelwa dikgato. Mo go la gagwe, molaodi wa Bokone Botlhana, Rre Loeto Porati ene o ne a rotloetsa bontlhopheng go tlhaloganya fa go emela ditlhopho e le tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe. politics 7 Dipatlisiso ka tiriso ya ditlhare tsa setso di tsweletse Dipatlisiso tseo di tshwaraganetswe ke Botswana, Aferika Borwa le Zimbabwe. E rile a bua kwa Moiyabana mo kgaolong ya Serowe Borwa, kwa kabong dimpho ya Diepamere Dingaka Society, Professor Keitseope Nthomang, mogokaganyi wa dingaka tsa setso go tswa kwa Mmadikole (University of Botswana) a supa fa e le mogakolodi wa dingaka tsa setso, a tlhalosa fa maduo mangwe a dipatlisiso a supile fa maAfrica a dumela thata mo bongakeng ja setso le baporofiti. Professor Nthomang a re ba ne ba kopana le ba botsogo go buisana ka mogare wa HIV/AIDS go lebeletswe tiriso ya bongaka ja setso, a re le mo nakong eno dipuisano le morero di tsweletse. Mme a supa fa dipatlisiso tse di tsweletseng di itemogela kitso le bongaka ja setso jo bo simileng e bile bo ka itshetlela mo go ntsheng ditlhare tse di ka thusanang le dipilisi tsa mogare wa HIV/AIDS a re seo fa se ka tlhalosega sentle se ka thusa go fokoletsa puso ditshenyegelo tsa theko ya dipilisi. O ne a re lefatshe leno le na le baitseanape ba seemo se se kwa godimo fela thata, a re seo se tlhoka fela gore go somarelwe ditsa setso. O ne a akgola thata ba Diepamere a re ba sale ba tswetse kwa ntle go itshwaraganya le ba dipatlisiso go thusa ka dikitso tse ba nang le tsone, mme a gwetlha makgotla a mangwe a dingaka tsa setso go tswela kwa ntle go tshwaraganela kgang e le bone, a supa fa bongaka ja setso bo tswa goolowe, bo fitlhwelwa ke ja sekgowa bo ntse bo le teng. O ne a supa fa dipatlisiso di setse di diretswe pampiri ya kanamiso (journal) e ba kgobokanyatseng tse ba di boneng mo go yone, mme a tlhalosa fa go tshwerwe go sekaseka motswako mongwe wa setso go tswa kwa Maung mo ngakeng nngwe ya setso. O ne a re go ya go tsaya sebaka se se leele go bona molemo wa bolwetse ja HIV/AIDS, mme a supa fa go na le tsholefelo fela jaaka mo nakong eno go bonwe molemo wa Malaria morago ga dingwaga ngwaga bolwetse joo bo apesitse mafatshe kobo ka letshoba, fela jalo le molemo wa HIV/AIDS nako e nngwe o tlaa bonwa. O ile a buwa ka ditlhare a re dipilisi tse di nowang tse di tswa mo ditlharing, sengaparile ke molemo wa popota o ebileng mafatshe mangwe a dirile dipilisi e bile ba se tsenya ka mabokoso go se rekisa. Fa a itebaganya le kabo dimpho ya dikobo tse di neng di abelwa ba kgaolo ya Mothamo, go akerediwa dikole tse dikgolwane di le pedi le tse dipotlana di le thataro le banalebogole, o ne a supa fa ba le lesego fela thata go bona ba Diepamere ba ba gakologetswe, mme a supa fa lefatshe leno le segofaditswe ka tshaba e e nang le mowa wa go aba. O ne gape a galaletsa puso ya lefatshe leno a re e na le mowa o montle wa go thusa batho ba one ka tsotlhe go ba inola mo lehumeng, mme a rotloetsa batho go ikemela ka dinao le bone go ithusa go na le go baya fela mo pusong. O ne a rotloetsa bana ba ba neng ba bona dimpho go di somarela, le gore fa ba amogela ba ithute sengwe sa gore le bone ka moso fa botshelo bo ba atlile ba abele ba bangwe. A re lefatshe leno le ipelafatsa ka go nna tshaba e e tshwaraganeng ebile e ipelafatsa, mme a re letsatsi leo le tsamaelana le ba mokgatlho o o tsamayang o supa fa o kgathala ka matshelo a Batswana. E ne erile go le pele mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Mokopakgomo Kgiomokwanaya wa Moiayabana a supa fa tiro e, e le bontlha bongwe ja ditirelo tsa boipuso, a re e bile ke ditso go lemoga fa ba dingaka tsa setso ba Diepamere ba bone le bone go tshwanela go tla go kopanela le morafe wa gagwe kwa kgotleng go ba abela. A re bone ba itse dingaka e le batho fela ba ba tsayang madi mo bathong ka go ba thusa eseng go kopanela le bone sepe sa setshaba, mme a tlhalosa fa go kwadilwe le mo bukeng e e boitshepo gore bongaka ja setso le Modimo o a bo letlelela gore bo ka thusa batho. Mongwe wa maloko a Diepamere, Rre Perterson Nthobatsang o ne a tlhalosa fa lekgotla la bone le tswa kwa go bo 1992, le kwadisitswe ka fa molaong, mme a re go le gantsi dingaka ka setso di bidiwa baloi, ka di dirisa melemo e e tswang mo ditlhareng e batho bone ba e dirisetsang tse di sa lebanang jaaka go bolaya, eseng dingaka, a re bone e le dingaka ba a alafa fa ga ba bolaye. O ne a re ga se lantlha ba aba, monongwaga ba ne ba abela bana ba SOS kwa Serowe, gampieno ba abela ba kgaolo ya Mothamo, a re ba dira jalo ka madi a a tswang mo dipateng tsa bone ga ba a kopa sepe gope, mme a re ba ne ba ikanapa go thusa bana ba ba tlhokang thuso ya bone. Go ne ga abelwa bana ba le bararo go tswa kwa sekoleng sengwe le sengwe kobo le go kopanela le bone dijo tsa motshegare. Fa ba leboga, mokhanselara wa kgaolo, Rre Phirinyane Orakanye le mothusa mogokgo wa sekole se sebotlana sa Moiyabana mo boemong ja ba dikole, Mme Matlhogonolo Gaamangwe ba ne ba supa boitiumelo, mme ba kopa Modimo go okeletse ba Diepamere gore ka moso ba dire go le gontsi le go leba dikgaolo tse dingwe. BOKHUTLO health 6 Mokgatlho wa R7 o abela bana ba sekole dimpho Lekgotla la boithaopi la R7 le le tsamaisiwang ke ba lelapa loora Morupisi fa e sale ka 2006 kwa Malaka mo kgaolong ya Lerala/Maunatla le tsweletse ka go abela bana ba dikole, barutabana le batho ka bongwe ka bongwe dimpho ngwaga le ngwaga ka letsatsi la botsalo jwa Morena. Mopotsolotsong le motlhami wa lekgotla leo Rre Cater Morupisi, yo gape e leng mokwaledi wa ofisi ya ga Tautona, a re o tswa kgakala le ba lelwapa la gagwe ba inaakantse le go thusa Batswana. A re seo se semologile ka 2006 fa ba ne ba abela kereke ya Revelation dimpho ngwaga le ngwaga mme ya re kgabagare bangwe ka ene ba mo rotloetsa go kwadisa lekgotla leo ka fa molaong. Rre Morupisi o tlhalosistse fa a ne a kgona go le kwadisa ka 2017 mme seo sa baya lekgotla mo seemong sa gore batho ba le lemoge le ditiro tsa lone. A re lekgotla leo ga se la sepolotiki ke la ba lelwapa la gagwe, a tlhalosa fa mo nakong eno le godile mo e bileng le na le khuduthamaga. Rre Morupisi o ne a nankolola dingwe tsa ditiro tse lekgotla le di dirileng, jaaka go bona gore matlo a borobalo kwa sekoleng se sebotlana sa Moroka mo kgaolong ya Bokone Botlhaba di a wela morago ga go tsaya lebaka di eme fela. O tlhalositse fa dikago tseo di lopile P3 million mme o solofela fa di tlaa wela morago ga go bona gore tsotlhe tse di tlhokegang di nna teng. A re le fa a tsweletse a dira jalo, maikutlo, pelo le mowa di mo sekoleng se sebotlana sa Malaka se a se thusang ngwaga le ngwaga ka dikgetsi tsa dibuka. Rre Morupisi o tlhalositse fa ngwaga le ngwaga a rotloetsa bana ba lekwalo la bosupa ba ba dirileng sentle mo ditlhatlhobong tsa bone mme ba bone maduo a ntlha le a bobedi ka go ba abela P300 le P200 ka go latelelana. A re e setse e le ngwao gore o abela bana ba lekwalo la ntlha ba Malaka dikobo mongwe le mongwe wa bone fa ba simolola sekole. Rre Morupisi o tlhalositse fa mo kgaolong ya Lerala/Maunatla barutana ba dikole tse di fentseng ditlhatlhobo ka 80 per cent le go feta ba abelwa megala ya letheka mongwe le mongwe wa bone, mme a tlhalosa fa a setse a abetse dikole di le dintsi a balela le sa Shashe Mooke le Mafungo Hobona le ntswa di se mo kgaolong ya Lerala/Maunatlala. A re fa godimo ga go abela barutabana dimpho tseo o ne a itshwaraganya le ba Mascom go thusa ka go ba gokelela tsa borenyane mo dikoleng tse di fentseng gore ba kgone go godisa dikitso tsa bone le gone go tokafatsa maduo ka go dira dipatlisiso ka boranyane joo. O tlhalositse fa di didiriswa tseo tsa marenyane di dirile gore maduo a lekwalo la bosupa a sekole sa Malaka a tokafala mo go nametsang pelo. Rre Morupisi a re go abelwa ga sekole se sebotlana sa Lerala kapari ya mmino wa Setswana go ne ga ba kgontsha go fetela kwa makgaolakgannyeng a dikgaisanyo tsa mmino wa Setswana. O ne a tswelela ka go supa fa e le motho yo maikutlo a gagwe a leng gaufi thata le thuto mme a supa fa a kgona le gone go rotloetsa baithuti ba ba dirileng sentle kwa dikoleng tse dikgolwane ka dibalamakgolo mme e bile a kile a dira jalo kwa Gootau le Kukubjwe. A re o dirisanya le bagwebi bangwe go thusa fa a batla dithuso. Rre Morupisi o ne a tlhalosa fa a abile dikgetsi tsa dibuka di feta makgolo a bane mme a ya go kgona go abela bana ba lekwalo la ntlha go fitlhelela ba lekwalo la bosupa. A re bana bangwe ba a bo ba tswa mo metsing e e bapileng le Malaka mme le bone a re o a ba abela ka nako eo ka e ya bo e le letsatsi la ditshegofatso. society 9 Tlotlang ditshwanelo tsa bana Raboipelego wa ga-Segwagwa, Rre Modise Ramoeti a re ditshwanelo tsa ngwana di tshwanetse go tlotlwa le go diragadiwa. Rre Ramoeti o buile jalo kwa masimong a Ditojana fa ba thuto ga e golelwe ba ne ba le koo go lekola baithuti bosheng. A re dingwe tsa ditshwanelo tsa ngwana ke gore a nne le leina, le go itse gore ke wa letso le fe, a tsena sekole le gone go sirelediwa mo ditirong tse di ka tlhokofatsang maikutlo jaaka go dirisiwa mo go tsa tlhakanelo dikobo, kgokgontsho le tse dingwe. Ka jalo a re go botlhokwa gore ditshwanelo tsa ngwana di tlotlwe di be di sirelediwe. A re go ka utlwisa botlhoko go bona motho mongwe a di gataka ka dinao. E rile a tswa la gagwe, Constable Leruo Maebe wa sepodisi sa Botswana kwa ga Segwagwa a tlhalosa fa ngwana e le motho yo o dingwaga di lesome le boferabobedi go ya kwa tlase le gore go molato go mo dirisa ditiro tsa bagolo. Fa a bua ka phiro ya bana, Constable Maeba o tlhalositse fa go le molato go thapa ngwana yo o dingwaga di lesome le boferabobedi go ya kwa tlase ka jaana ka fa molaong, ngwana yoo o kabo a santse a le kwa sekoleng. O supile matshwenyego ka batho ba ba tlolang molao, mme ba thapa bana ba ba kalo go berekela mo malwapeng, go disa le ditiro tse dingwe tsa go dira mo masimo. E rile a leboga, mokhanselara wa ga-Segwagwa, Rre Mogorosi Naolwakgosi a kopa batsadi ba bana ba ba tsenang thuto ga e golelwe go kgothatsa bana ba bone go tsena sekole, a tlatsa ka go re fa ba ka supa tlhoafalo, seo se ka gwetlha puso go lere ditlhabololo kwa Ditojaneng. O ne gape a lebogela komiti ya balemi go tsenya letsogo mo thutong ka go aba dijo kwa sekoleng seo e le go tsaya puso tema. education 4 Dikgosi di kopiwa go agisanya morafe Dikgosi kwa Mahalapye di kopilwe go tshwaragana le morafe go batla tharabololo ya dikgwetlho tse di tsweletseng ka go jesetsa setshaba mo kgobedung. Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso a re magosi ke motswedi wa puso ya batho ka batho ka jalo, ba tshwanetse go ema ka dinao go bopa setshaba. O buile se kwa phuthegong ya therisano kwa Mahalapye ka Laboraro. Mme Tshireletso a re dikgosi di filwe boikarabelo jwa go agisanya morafe. “Le eteletse morafe mo dikgotlaneng tsa lona ka jalo fa go na le bothata, go lejwa lona gore le supe gore di tsamaile bogole fa kae. Kgosi thotobolo e olela matlakala, tse di molemo le tse di botlhoko di rolelwa mo go lona. Ke biditse bokopano jo, ka go lemoga boikarabelo jwa lona mo morafeng. Ke lona le ka digang kana la godisa serodumo sa motse,” Mme Tshireletso a tlhalosa. Mme Tshireletso a re go tlhoka taolo ga batsadi mo malwapeng le go dira tse di fapogileng fa pele ga bana go dira gore bana ba gole ba sa lemoge phoso ya go inaakanya le mekgwa ee bosula ka gore ba bonye e dirwa ke batsadi. “Ka tsela nngwe, botlhoka tsebe jwa bana bo rotloediwa ke batsadi.” Mme Tshireletso a re seemo se se golelang pele sa bana ba ba sa laoelesegeng, borukutlhi le setho se se duleng mo tseleng, di tlhoka gore boeteledipele bo tseye taolo, mme bo tshwaragane le morafe go batla tharabololo. A re go a swabisa go bona motsadi a titiela bojalwa mme a bonwe le bana mo lwapeng. “Emang ka dinao le baakanya dilo tse le go tlhotlhomisa go re go senyegile fa kae,” mme Tshireletso a ba gwetlha. O rotloeditse magosi go ikopanya le boeteledipele jo bongwe jwa morafe jaaka baruti le mekgatlho go kaela morafe tsela. “Fa le sa bulele morafe dikgoro ga go sepe se se ka tswelelang. Tlwaetsang morafe go etela kgotla kgapetsa kgapetsa gore ba kgone go lemoga le go tlotla boeteledipele jwa lona,” a gakolola. Mme Tshireletso a re le fa puso e tsweletse le maiteko a go tlhabolola setshaba, go na le dikgwetlho jaaka go tlhoka setho, borukuthi, bomme le bana ba ba betelelwa ka tsela e ngomolang pelo, letlhoko la ditiro le tse dingwe tse di tlhokang seabe sa morafe ka fa tlase ga ketelelo ya magosi gore di rarabololwe. “Bana ba rona ba tshelela mo sediding sa ditagi le bojalwa, bangwe ba bone ba felele ba dira ditiro tsa borukuthi ba sa ipone. Botagwa jwa malatsi a, bo ruta batho mekgwa e bosula jaaka go bolaya le go betelela. Mo motseng wa rona re na le batlhoki, bangwe ba bone e le bagodi le bana ba ba sa tlhokomelweng sentle bangwe ba phuagantswe ke batsadi. Ke dumela gore go ka siama, fa re eme ka dinao re thusana,” Mme Tshireletso a supa. A re puso e ikuela mo magosing le batsadi go ruta bana setho le go tswa ka dikakanyo tse di ka thusang go fokotsa dikgwetlho. O supile gore go itlhokomolosa ngwao le setho, go dira go re batho ba palelwa ke go nna le seabe se se nonofileng mo ditirong tsa morafe tse di nang le bokao mo matshelong a bone. “Ke ne ke le fa ngogola ka letsatsi la boipuso, ke tlhabilwe ke ditlhong ke ipotsa gore a mme Mahalapye yo, ke e ne yo ke mo itseng. Manotonyana a batho le maloko a dikereke ba ba neng ba le mo kgotleng le bone ba ne ba ema ema fela, o bona gore ga ba na lenaneo la go re ba tsile go dira eng,” Mme Tshireletso a kaya. A re go botlhokwa go ikgakologelwa ka go nna le seabe mo ditirong tsa morafe le go thusa go bopa tshaba e e nang le botho a re tsamaiso ya Setswana ya go direla ditiro tsa morafe mo kgotleng di tshwaraganetswe ke botlhe, ke yone motheo wa puso ya batho ka batho. society 9 Ba tla a thusiwa mo go haphegileng Puso e itlamile go thusa batho ba ba nnang mo metseng e e kgakala le ditlamelo ka go ba neela sebaka sa ntlha mo dithusong. Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso, a re puso e thusa bana ba ba fetsang mo dikoleng tse dipotlana le tse dikgolwane ba metse eo go tswelela pele ka thuto go fitlhelela lekwalo la botlhano mme ba tlaa tsewa kwa dikoleng tse ditona le tsa tiro ya diatla le fa ba ne ba sa bona matshwao a a kwa godimo a ditlhatlhobo. O buile jalo kwa Mmashoro le Dimajwe bosheng. A re batho ba metse e e kgakala le ditlamelo ba atamediwa ditlamelo ka go direlwa mo go faphegileng jaaka le mo ditirong bangwe ba setse ba hirilwe go ba ntsha mo lehumeng. Mothusa tona a re seo ga se dirwe ke puso e le nosi ka jaana makalana a a ikemetseng ka nosi a thusa puso go dira tiro eo. Fa a bua ka nyeletso lehuma, Mme Tshireletso a re ke metse e le masome marataro le borobabongwe e ba dirang mo go yone a ikuela mo batsading gore bana bangwe ba boa kwa dikoleng ba sa fetsa mme batsadi ga ba tseye kgato go ba busetsa kwa dikoleng, a ba gakolola gore ba le aramele le sa ba tlhabetse ka e le lenaneo la dingwaga tse lesome. A re matlo a a agilweng ga a tlhokomelwe ntswa e le boswa jwa bana ba bone a re bangwe ba a hirisa. O ba kopile go tlhokomela se puso e ba thusang ka sone. A re bangwe ba neetswe dikgomo ba di rekisitse e bile ke bone badisa ba dikgomo tse e neng e le tsa bone mme seo a re se ngomola pelo a ba kopa go fetola boitsholo ka bana ba bone ba tsoga ba sa ba lebe sentle. Bangwe batsadi kwa metseng eo ba ikuetse ka meraka le dipolasi tse di dikaganyeditseng metse ya bone ba re ba jelwa ke dikgomo mo masimong mme beng ba tsone ba re ba sekisediwe kwa kgotla tshekelo kwa ba reng bone ga ba kgone. Ba ne ba kopa go baakanyediwa tsela e e fa gare ga metse ya bone. Bangwe ba kopile gore mananeo a neelwe batho ba ba tlhaga ka ba tlaa tsadisa ba bo ba tlhokomela leruo le ba le filweng ke puso. Banana bangwe ba ikuetse mo go mothusa tona gore le fa ba neelwa mananeo a nyeletso lehuma jaaka diruiwa go diegelwa go duela beng ba tsone mme e re di tsala ba di buse. Ba kopile poso kwa Dimajwe gore fa ba amogela mo Ipelegeng ba ipeele madi. Banana bangwe ba ne ba kopa gore SHHA e tsisiwe mo metseng ya bone gore le bone ba ikagele matlo mme mokhanselara o ne a tlhalosa fa e neelwa ba ba amogelang ka kgwedi le kgwedi. society 9 Mahalapye o tla nna le madirelo a twantsho melelo Mogolwane wa lekalana le le lebaganeng le go tima melelo mo khanseleng ya kgaolo potlana ya Palapye Rre Bernard Sadi, a re khansele e dumelane go romela makoko a lebaganeng le go tima melelo kwa dikgaolong potlana tsa Mahalapye le Tutume. Rre Sadi o buile jalo mo puisanong le lekalana la dikgang la BOPA morago ga gore mosadi mongwe wa kgotla ya Dilaene mo Mahalapye, a falole loso ka bobi jwa segokgo fa ntlo ye a robalang mo go yone ene e rora ka molelo mo bosigong jwa labone. Rre Sadi o rile lefa khansele e setse e rometse badiri ba makalana ao mo Mahalapye le Tutume, gone ga ba ise ba simolole tiro ka jaana ba emetse dikoloi tse go bolelwang di setse di rekilwe,mme di emetse goya kwa dikgaolong tse di yang go berekela kwa go tsone. A re badiri ba ba tla bong bale mo Mahalapye ba tla itebaganya le go tima melelo mo metsing ya dikgaolo tsa Shoshong le Tswapong borwa ka jaana dikgaolo tseo dile kgakala le Palapye fa badiri ba ba direlang kwa kgaolong potlana ya Tutume bone ba tla itebaganya le melelo emo tikologong ya kgaolo eo. E rile mo phirimaneng ya bosigo jo retswang mo go jone metsotso e ka nna lesome le botlhano go yeng kwa nakong ya boferabobedi ntlo yaga Mme Ramaribana ya peperetla ka molelo o go belaelwang o katswa o bakilwe ke ditlhapo tsa motlakase. A re ene yare go bona mosi le kgabo ya molelo mo maribeleng a ntlo, a tlhaba mokgosi,mme baagisanyi ba kgona go mo thusa go tima molelo oo ka metsi pele ga go nna le ditsheneyegelo tse dintsi. A re ba lekalana le le timang melelo gotsweng kwa Palapaye ba fitlhetse ba setse ba timile molelo oo e bile ba ntsheditse dilwana dingwe kwa ntle. Mme Ramaribana o boleletse ba lekalana la BOPA mo potsolotsong gore dithoto tse di senyegileng tse di akaretsang Television,setsidifatsi le tse dingwe di ka lopa madi a tshwarang P9 000 go sa balelwe le ditsheneyegelo tse ntlo e agilweng ka tsone. Bangwe ba batho ba ba neng bale kwa tiragalong eo ba ngongoregetse go tlhoka madirelo a ditima melelo mo motsing wa Mahalapye ntswa ele one o okametseng metse ya kgaolo potlana ya Mahalapye e tshwana Tswapong Borwa le Shoshong. Bare ere ntswa kgaolo potlana ya Mahalapye ena le metse ele msome a mararo le borobabongwe,go maswabi go bona go sena madirelo a lebaganeng go tima melelo mo Mahalapye. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Botlhaswa bo ka baka molelo Modiri wa lephata la melelo, Rre Charles Motlhabane, o gakolotse badiri ba lephata la kabo-ditsha la Paje go hema dikotsi tsa molelo. O buile mafoko a ka thuto-seka-dipuisano e e neng e tshwerwe kwa diofising tsa lephata leo, tse maikaelelo a tsone e neng e le go rutuntsha badiri ka fa ba ka hemang dikotsi tsa molelo ka teng mo diofising le kwa malwapeng. Rre Motlhabane o tlhalositse gore gole gantsi dikotsi tsa molelo di tlhagoga ka ntata ya botlhaswa. O supile fa botlhaswa jo bo akaretsa go goga motsoko motho a tla a itshietse nnotagi go feta selekanyo, go apaya motho a tla a lapile le go tlhoka go tshwara didirisiwa tse di tshwarang molelo ka bofefo sentle. Mo thuto-seka dipuisanong eo, badiri ba ne ba rutwa ka mefuta ya di dirisiwa tse di timang molelo le gore fa gona le kotsi ya molelo ba tshwanetse go dira eng go leka go boloka matshelo le dithoto. Rre Motlhabane o tlhalositse gore ere ntswa dikago tsa puso ka bontsi di na le ditima molelo, sebe sa phiri ke gore badiri ga ba itse go di dirisa; a tlatsa ka gore madirelo mangwe one a borai ka jaana a sena dikgoro tsa tshoganetso, tse batho ba ka iphalotsang ka tsone fa dikago di tuka. Fa a tswa la gagwe mokwaledi wa lephata la kabo-ditsha la Paje, Rre Sedi Bose, o lebogetse ba lephata la melelo thuto e ba e fileng badiri ka ene, a supa fa e le selo sa botlhokwa fela thata. O ne a iteela mafoko a ga Rre Motlhabane kobo moroko, gore ke boammaaruri, diofisi di na le ditima molelo mme gole gantsi ga gona yo o itseng go di dirisa; a re se se dira gore dithoto le dikago tsa madi a mantsi di felela di jewa ke molelo motlhofo. A re o dumela gore morago ga dithuto tseo badiri ba tlaa kgona gore ere mo isagong, ba kgone go hema le gone go tima melelo e e borai mo tirong le kwa malwapeng a bone tota. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Ba le some ba abetswe dikobo Batho ba Mahalapye ba le lesome mo kgotleng ya Bokaa ba abetswe dikobo tse e rileng bosheng tsa ntshiwa ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama. E rile modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Goabaone Mompati a aba dikobo tseo mo boemong jwa ga Tautona a kgothatsa ba ba nnileng le lesego la go abelwa dikobo tseo go di tlhokomela gore di kgone go ba thusa mariga. Rre Mompati o rile le ntswa Tautona le puso ba tsweletse ka go thusa Batswana ba ba dikobo dikhutshwane ka dijo, diaparo le matlo, o tshwenngwa ke batho ba e ya reng ba abetswe dimpho tsa go nna jalo ba di latlhelele fa ba bangwe ba kgona go di rekisa ntswa puso e leka go ba ntsha mo lehumeng. A re batho ba ba abetsweng dikobo ke ba ba neng ba tlhaelwa fa Tautona Khama a ne a abela batho dimpho Tlhakole a le lesome le bobedi fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Mahalapye. Rre Mompati o kgadile a sa oshaoshe banana ba e ya reng batsadi ba abetswe dimpho ke babusi le makgotla a bopelotlhomogi ba itirisetse dithoto tsa go nna jalo ntswa ba na le tokololo ya go iperekela. Rre Orelebile Baatweng o boletse mo mafokong a gagwe a malebo gore Batswana ba tshwanetse go ipelafatsa ka moeteledipele wa lefatshe leno ka a supile bokgoni le boikarabelo jwa go lwantsha lehuma la nta e tshetlha le le apesitseng bontsi jwa Batswana kobo ka letshoba. Rre Baatweng a re fa Batswana ba ka ititaya ka thupana go dirisa mananeo a puso go itlhabolola, e kare ka 2017 bontsi jwa Batswana ba bo ba dule mo thankgeng ya lehuma la nta e tshetlha ka jaana mongwe le mongwe o tlaa bo a kgona go iphataphatela go na le go ikaega ka dithuso tsa puso di tshwana le dijo tsa batlhoki le lenaneo la Ipelegeng. society 9 Ngwao ga e rotloetse kgokgontsho le botlhokatsebe Kgosi-kgolo ya Batlokwa, Kgosi Puso, o kgadile batho ba ba sa itshwareng sentle ba bo ba ipata ka ngwao . O buile seo ka letsatsi la segopotso sa kgokgontsho ya bong kwa Jwaneng bosheng. A re ngwao e a fetoga go lebilwe mabaka le diemo tse di leng teng ka nako eo. O supile fa ngwao e tshwanang le seyantlo e fitilwe ke nako ka jaana malwetse le one a oketsegile. Kgosi Puso a re Batswana ba tshwanetse go tlhotlha dilo tse di siameng mo ngwaong ya bone mme ba di sale morago. O ne a kgala manyalo a a pateletswang ntswa go bonala go sena lerato kwa tshimologong a re ke one a oketsang kgokgontsho. O ne gape a rotloetsa bo rre go tlotla basadi ba bone go fedisa kgokgontso. Kgosi Puso o tlhalositse gore go fedisa kgokgontsho ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe go tsisa kagiso. Mongwe wa bagakoldi, Mme Ntombi Setshwaelo o ne a gakolola gore motho yo o kgokgontshitsweng o tshwanetse go batla bogakoldi jo bo ka mo sedilang maikutlo. A re bontsi jwa bakgokgontshi ke batho ba ba iphitisang dino le ditagi mme ba nne botlhabetsi mo matshelong a ba ba tshelang nabo. Mme Setshwaelo o ne gape a rotloetsa gore baratani ba tshwanetse go tlotlana le go nna boikobo mo balekaneng ba bone. A re kgokgontsho e ka fenngwa fela ke lorato. E ntse e le ko letsatsing leo go ne ga nna le thuto dipuisanyo e mo go yone bana-le-seabe ba neng ba abelana megopolo ka go fedisa kgokgontsho. Go ne ga senoga gore kgokgontsho e kgona go ama maikutlo a motho mo a ka felelang a lathegetswe ke tlhaloganyo. Go tlhalositswe gape gore kgokgontsho e ama bana. Bomme ba ne ba kgalelwa go tsholola dikgetsi tsa kgokgontsho ko mapodising ka jaana go busetsa ntwa kgatlhanong le kgokgontsho ko morago. Dipalo tsa ba sepodise di supile fa go bomme e le bone ba kgokgontshiwang thata mo toropong ya Jwaneng. Mo dikgetsi tsa kgokgontsho tse di lekgolo le masome a matlhano,bomme ba le lekgolo le masome a mane le metso e mebedi ba kgokgontshitswe fa borre bone barobabobedi. Dipalo tseo gape di supa fa molato wa dikiteo o ile ko godimo ka go gatisitswe dikgetsi di le masome a supa le bongwe fa tsa kiteo e e bakang dikgobalo di le masome a mane le botlhano. Mo go tsone dikgetsi tseo, bomme ba ferabongwe ba tshoseditswe matshelo, ba le lesome le bobedi ba betelelwa, fa ba le bane bone dithoto tsa bone di ne tsa senngwa. society 9 Therisanyo, lorato, tshwaragano di ya thoteng Batswana ba rotloeditswe go eteletsa pele therisanyo, lorato le tshwaragano ka jaana e le tsone di thaileng lefatshe leno. Thotloetso e e dule ka mopalamete wa Tati Bophirima, Rre Simon Moabi yo o rileng fa kgosi, mokhanselara, dikomiti tsa ditlhabololo le morafe ba ka ikaega ka dilo tse tharo tseo, go ka isa metse le lefatshe leno golo gongwe. O ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng ya Makaleng le Matenge bosheng. E rile a tshwaela mo ngongoregong ya modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Makaleng, Rre Ndawa Nkoshwane ka go sa lomagana le go tlhoka tirisanyo mmogo magareng ga boeteledipele jwa motse, VDC le morafe wa Makaleng, mopalamente Moabi o ne a supa fa seemo seo se thobaetsa. Rre Nkoshwane o ne a supa fa seemo seo se kgoreletsa ditlhabololo. Rre Moabi o ne a rotloetsa gore dipharologanyo di beelwe fa thoko, go itsewe motlhala le go ithulaganya gore go inaakangwe le dilo tse di ka thusang motse go gatela pele mo ditlhabololong. E rile a akgela, mothusa modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, yo gape e leng mokhanselara wa Kalakamati, Rre Zibani Mbalambi o ne a gatelela gore banni ba Makaleng ba tlogele dikgogakgogano. O tlhagisitse gore fa ba sa itharabologelwe ba tlaa thanya lo le tsebeng motse wa bone o gaisiwa ke e mengwe ka ditlhabololo. Mokhanselara Mbalambi o ne a ba bolelela fa bone e le makhanselara a Bokone Botlhaba ba dumalanye go beela tlhoko dipharologanyo tsa bone tsa sepolotiki gore ba itebaganye le ditlhabololo tsa kgaolo. Go sale foo, Rre Moabi o ne a leboga banni ba metse eo go bo ba mo tlhophile, jalo a kopa tirisanyo mmogo gore tiro ya gagwe ya go isa dikeletso tsa bone kwa palamenteng e nne motlhofo. O ne a ba tshephisa fa a ka seke a ba tlhabise ditlhong ka gope e bile a netefatsa go tswelela a ba rerisa jaaka a ne a solofetsa ka nako ya fa a kopa tlhopho. Rre Moabi o ne a supa botlhokwa jwa gore maphata jaaka la ga molaodi le khansele a nne a etela metse go utlwa ka matshwenyego a banni go na le emela diphuthego tsa mopalamente kgotsa matona. Banni ba ne ba gakolola mopalamente go supa boineelo mo boikarabelong jo a bo filweng, ba solofetsa go goga le ene le go mo ema nokeng nako tsotlhe. Le fa gontse jalo, banni ba ne ba itela mo mopalamenteng ka dingwe di akaretsa tlhaelo ya metsi, seemo se se sa itumediseng sa ditsela le kanamiso e e bokoa ya motlakase. Ba boletse fa dingwe tsa dilelo tsa bone di tswa kgakala mme go se nko e e tswang lemina. Monni wa Matenge, Mme Elizabeth Lengwanapele, o kopile puso go sekaseka go oketsa madi a bagodi. Banni ba kopile gore ba nne ba lekodisiwa ka tse ba di kopileng go itsa gore ba nne ba ipoeletsa go di kopa gangwe le gape. BOKHUTLO politics 7 Motlogelwa ke sekao mo go borre Rre Obakeng Motlogelwa wa Selebi Phikwe, o tlhalositse fa a batla go nna sekao ka go supa bokgoni jwa borre mo go rokeng diaparo. Rre Motlogelwa o tlhalositse fa a simolotse kgwebo ya go sega diaparo a sena go wetsa dithuto tsa gagwe kwa Human Child Aid. A re kgwebo ya gagwe e tsweletse ka go dira sentle, e bile o kgona go oba letsogo. Rre Motlogelwa o tlhalositse se mo puisanong le A re lorato lwa gagwe lwa go roka diaparo lo simologile fa a sale mmotlana. O tlhalositse fa go sega diaparo e ne e le tiro e go neng go dumelwa e le ya bomme fela, e bile fa rre a ka bonwa a e dira o ne a nyadiwa kgotsa a tsewe e le motho yo o seng mashetla. O boletse fa go simolodisiwa ga melao ya tekatekanyo ya bong mo lefatsheng leno, go dirile gore bomme le borre ba simolole go supa bokgoni jwa bone mo ditirong dingwe tse go neng go dumelwa di ka kgona go dirwa ke bong jo bo rileng fela. A re mo nakong ya gompieno, bomme le bone ba supile fa ba le tlhaga mo ditirong tse go neng go dumelwa fa di le bokete e bile ba ka seke ba kgone go di dira, jaaka go nna lesole. O boletse fa mo nakong ya gompieno borre lefatshe ka bophara ba gatetse pele mo go segeng diaparo, mo batho bangwe ba setseng ba ikanya baroki ba borre ka ba dumela fa tiro ya bone e le ntle. O boletse fa a tlaa tswelela ka go diragatsa ditoro tsa gagwe tsa boroki go fitlhelela a nna mongwe wa baroki ba ba tumileng mo lefatsheng ka bophara. Rre Motlogelwa o kgothaditse borre go simolola go dira ditiro tse go neng go tlwaelesegilwe di dirwa ke bomme fela ka ba supile fa ba na le bokgoni mo go tsone e bile ba ka di dira go itshetsa. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 O bolaile mokapelo Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di fa gare ga masome a mane le bosupa le masome a matlhano wa Sesung a belaelwang a bolaile mokapelo wa gagwe wa dingwaga tse di masome mararo le bobedi wa Metsibotlhoko pele ga a ikgapela botshelo. Mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng, Superintendent Daniel Katse o tlhalositse fa ba begetswe tiragalo eo kgwedi eno e tlhola gabedi, a tlhalosa fa bangwe ba ne ba bega fa ba bona ntlo e shele mme ba belaela fa mongwe a shetse mo teng, a supa fa baboni ba tiragalo eo ba ne ba bona motlhala wa monna yoo, mme ba mo latisa go fitlha ba bona fa a ikaleditseng teng. Superintendent Katse o tlhalositse fa rre yoo a ne a ikaletsa sekgala sa dimmithara di le makgolo a a ferang bobedi go tswa fa lwapeng lwa mokapelo wa gagwe. O tlhalositse gape fa dipelaelo e le gore rre yoo o ne a bolaya mokapelo wa gagwe, a fisa ntlo a bo a ya go ikaletsa ka waere. O boletse fa baratani bao, ba ne ba kile ba tlhoka kutlwisisanyo motshegare oo, kgwedi ya Hirikgong e rogwa, fa wa mme a ne a batla go fedisa lorato lwa bone, a tlhalosa gape fa mme yoo a ne a kgona go ya go tsaya dilwana tsa gagwe tse di neng di le kwa lwapeng lwa rre yoo. Superintendent Katse o tlhalositse fa direpa di le kwa setsidifatsing go ya go rurifatsa se se ka tswang se bakile dintsho tsa bone. O tlhalositse fa baratani ba ne ba na le sebaka sa dikgwedi tse pedi go ya go tse tharo ba ratana, a supa fa bana ba mme yoo, ba ne ba le kwa masimo ka nako ya tiragalo. Superintendent Katse o supile gore ntle le moo, batho ba ne ba itshwere sentle fa ba amogela ngwaga o mosha. O kopile Batswana gore ba ne ba senka lefelo le le phuthologileng jaaka lebala la metshameko fa ba batla go ipelela ngwaga o mosha, go na le go batla go nna kwa dibareng mme di tswetswe. Mo go tse dingwe, Superintendent Katse o tlhalositse fa ba tshegeditse banna ba le babedi ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le bosupa le masome a mararo ba Molepelole ka mophuthelwane o go belaesegang e le motokwane. O boletse gape fa borre bao, ba tshwerwe kwa Letlhakeng, a tlhalosa fa yo mongwe a tsena sekole kwa New Era, fa yo mongwe a sa dire gope. O tlhalositse fa ba belaela fa borre bao ba gweba ka motokwane, ka go supagala fa ba kile ba boa kwa Ditshegwane. O tlhalositse fa setlhatshana seo se ka lopa madi a P5 400. crime_law_and_justice 1 Maruje o akgola morafe Kgosi Thabo Maruje III wa Masunga o akgoletse morafe wa gagwe go tla ka dipalo tse di kwa godimo go amogela molelo wa kgolagano mo motseng wa bone ka Laboraro. A re go supagala fa mowa wa popagano o bonala. Kgosi a re molelo o tsile go tukisa matshelo a Batswana mo go sengwe le sengwe se ba tlaa bong ba se dira, mme seo se tlaa thusa lefatshe leno go gatela pele. Kgosi Maruje o buile fa seo se ka kgonagala fela fa Batswana ba ka nna le mowa wa kgolagano, boineelo e bile ba supa fa ba tlaa ipelega go direla setshaba sa bone ka botswerere le bonatla. Banni ba ne ba tletse ka boitumelo, ba duduetsa e bile ba supa fa ba ne ba ntse ba letetse molelo wa kgolagano ka bopelotelele. Molaodi wa kgaolo, Rre Keabetswe Lesiela, o ne a rolela kokoano molaetsa go tswa kwa go Tautona, o o ntseng o balelwa banni ba metse yotlhe kwa molelo o setseng o fetile teng fa e sale leeto la one le simolola ngogola. Molaetsa wa ga Tautona o ne o remeletse thata mo go reng Batswana ba nne le mowa wa bojammogo, ba ipelege ba bo ba nne le lerato go thusa go aga lefatshe gore le gatele pele le bo le fitlhelele maitlamo a lone a tebelopele ya ngwaga wa 2036. Mokhanselara wa Masunga, Rre Elias Mbonini, o ne a lebogela kgorogo ya molelo mo kgaolwaneng ya gagwe; a bolela fa o tsisitse boitumelo jo bo seng kana ka sepe. O ne a kopa gore Batswana ba tshwaragane gore mafatshe a mangwe a tswele lefatshe leno pelo mme a tseye malebela mo go lone a bo a le eletse. Rre Mbonini o kopile gape gore mowa wa kagiso o nne mo dipelong tsa Batswana, go bo go rene le mowa wa thokgamo. O ne a supa gape fa a itumelela mowa wa banana ba Masunga ka maitlamo a bone a mantle a ba tlhalositseng fa a tlaa tsosolosa mehama ya kgwebo, thuto, botsogo le ngwao ga mmogo le gone go lwantsha nnotagi le tiriso ditagi. O akgoletse banana gape go bo le bone ba eme ka dinao go aga motse wa bone ga mmogo le kgaolo ya Bokone Botlhaba. E rile go tswa mo kgotleng, molelo o ne wa tsamaya le maphata a a farologaneng, a a akaretsang, sekole se segolwane sa Masunga le se sebotlana, kereke ya Roma ga mmogo le sekole sa bananyana. Molelo o ne wa felela o le kwa diofising tsa khansele, kwa o neng wa amogelwa ke molaodi wa kgaolo Rre Lesiela a o tsaya mo go Kgosi Maruje III. Kgosi Eric Moipolai wa Matsiloje e bile e le moemedi wa kgaolo kwa Ntlong ya Dikgosi ga mmogo le Kgosi Thabo Monaga yo e leng mothusa kgosi ya Masunga, ba ne ba fiwa sebaka gore ba sirolole sefikantswe sa molelo wa kgolagano se se agilweng mo dikagong tsa khansele ya Bokone Botlhaba gone mo Masunga. Molelo o o fa sefikantsweng seo o tlaa tuka go fitlhelela boipuso jwa ngwaga ono e le segopotso sa go supa kgolagano ya tshaba ya Botswana le gone go nna sekao sa mosepele wa lefatshe le go tloga kwa nakong ya lefatshe le le tsaya boipuso. BOPA society 9 Banana ba itumelela ofisi Banana ba Maunatlala mo kgaolong ya Tswapong bokone ba re ba itumelela go bo mokhanselara wa bone a butse ofisi ya gagwe le e go thusetswang banana mo go yone mo motseng wa bone. Ba re seo ke kgatelopele e kgolo ka go le gantsi makhanselara fa ba a fa banni dithuso tse di farologaneng ba ba thusetsa kwa malwapeng a bone.Mo potsolosong, mongwe wa banana Mme Motlabaseyo Dinale o boletse fa a kgona go ya kwa ofising ya banana mme a kope dithuso tse di farologaneng tse di amanang le banana. A re pulo ya ofisi ya mokhanselara e rotloeditse banana ba le bantsi go bona dithuso tse di farologaneng tse di ba amang di tshwana le go botsa ka mananeo a a ba lebaneng.Mme Onalenna Tseleng yo le ene e leng monana wa motse wa Maunatlala o boletse fa mo dinakong tse di fetileng ba ne ba bona dithuso ka go latela makhanselara kwa metseng ya bone mme fa gongwe ba fitlhele a seyo. A re seo se ne se dira gore ba felele ba kgobega marapo go nna ba etela kwa metseng ya bone mme ba felele ba tlolwa ke tse di ba lebaganeng.A re pulo ya ofisi ya mokhanselara le ya banana e ba direla tiro motlhofo ka go beilwe dinako tse ba ka bonang dithuso ka tsone. Mme Maipelo Sakarea yo o thapilweng ke mokhanselara wa Maunatlala mo ofising ya banana o boletse fa banana ba tla kwa ofising ya gagwe ka dipalo tse dintsi. A re o fa banana dithuso tse di farologaneng di tshwana le dikgakololo ka mananeo a ba a diretsweng ke puso go itshetsa le go tshwara diphuthego gangwe mo kgweding ba buisanya le banana go utlwa tse di ka tswang di ba tshwenya. A re mo diphuthegong tseo ba tsaya megopolo mo bananeng gore ba ka itlhabolola jang. A re ba boa gape ba rotloetsa banana ka tsa botsogo.A re le dithuso tse di farologaneng di tshwana le fa monana a tla a na le kgang e e mo amileng o mo fetisetsa kwa ofising ya mokhanselara mme a bo a mo fetisetsa kwa go mma boipelego fa a tlhokana le thuso ya gagwe. Mokhanselara wa Maunatlala Mme Salome Lesole o ne a bolela fa a ne a lemoga fa go tlhokafala ofisi ya mokhanselara mo motseng wa gagwe ka bangwe ba ne ba felela ba nna maoto a tshupa go kopa dithuso tse di ba lebanyeng. A re o na le tomagano le diofisi tse di farologaneng tsa puso mo motseng wa gagwe mme go dira tiro ya gagwe motlhofo o ne a bona go tshwanela gore a nne le koloi e e tla a dirang tsotlhe tse di tlhokanang le thuso ya gagwe mo motseng. A re gore ofisi ya banana e kgone go fitlhelela di le dintsi o ne gape a thapa monana gore a thuse banana jaaka ene. society 9 BCA e ikabetse sekole sa Pilikwe Sekole sa ithutelo tsa temo-thuo (BCA) se sa tswa go ikabela sekole se sebotlana sa Pilikwe, seo e le go latedisa kgang ya lenaneo la thuto la Adopt A School. Lenaneo le le tsile morago ga gore puso e ikuele mo setshabeng, dikhamphani, mekgatlho le maphata a a kgonang go tsenya letsogo go thusa mo thutong e go supegang maduo a yone a wela tlase ngwaga le ngwaga. Matshwenyego ao a ne a ntshediwa kwa ntle ka boikuelo ka 2012, morago ga dipuisanyo le ditshekatsheko tsa ba-na-le seabe mo tsamaisong ya thuto, mme bontsi bone jwa tsibogela boikuelo joo ka go tsaya karolo mo lenaneong leo. Pilikwe ke sekole sa boraro BCA e se ikabela go nna motsadi, mo godimo ga bana le sekole sa Tsestseng mo kgaolong ya Kweneng Bophirima le sa Boitumelo kwa Sebele. E rile a latlhela la gagwe, Dr Mataba Tapela a supa fa go godisediwa ga BCA go nna mmadikole go ya go tiisa ditiro le ditirelo tse ba ntseng ba di neela setshaba le bone baithuti. A re jaanong ba ya go ntsha bommantswitswidi ba dithutego tsa maemo a a kwa godimo, le tsone dithuto tsa tlaleletsa ba ya go fa baithuti sebaka sa go di dira, abo a supa fa ba na le makalana kwa Sebele le kwa Lobatse. O ne a ama ka tse ba di dirang, maikaelelo a gagwe e le go gwetlha banana ba ba neng ba le foo go tsaya tshwetso ka bokamoso jwa bone jwa go tlhoafalela dithuto, a re gape ba na le lekalana la tsa ditlhotlhomiso ka tsa lobopo le tse dingwe gammogo le pabalesego ya dipeo tsa ditlhare go itsa gore dingwe ditlhare di nyelele. A re BCA e ya go neela baithuti ba Pilikwe bogakolodi ka tsa thuto, ka maikaelelo a gore le bone ka moso e bo e le bomankge ba dithuto. Thulaganyo e ya go pataganela thuto ya bana ba Pilikwe le beilwe monwana ngogola o fela. Le fa go ntse jalo o tlhalosa fa ba tswa kgakala le sekole seo ka ba ne ba ntse ba kopanela le bone malatsi a botsalo jwa Morena ngwaga le ngwaga go ba fa dimpho. E ne ya re a wetsa, Dr Tapela a aba dikhomputara, go oketsa tse ba neng ba di abetse sekole seo mo dingwageng tse di fetileng, dibuka tsa bana le tsa barutabana, gammogo le dibolo tsa kgwele ya dinao, bolotloa, volley ball le matlowa a tsone. Kgosi wa pele wa Pilikwe, Rre Bokopano Koodibetse le ene o ne a supa fa botsalano joo bo ya go nonotsha dithuto tsa temo-thuo mo sekoleng sa Pilikwe, mme a kgothatsa batsadi le barutabana go tshwaragana le puso go tokafatsa maduo. O ne a kgothatsa ba BCA a re maiteko a bone e nne a sennelaruri go ba tlhabololela bana, mme le ene o ne a ntsha P500 go thusa sekole ka tse se tlaa di tlhokang. E rile a ntsha la gagwe, mogolwane wa tsa thuto, Mme Lydia Makgoma go tswa kwa kgaolwaneng potlana ya Mahalapye o ne a re lenaneo la Adopt A School le thusitse go tokafatsa seemo sa thuto mo lefatshing leno ka le ne la tsibogelwa ke bontsi jwa ba-na-le seabe ka go farologana. Mo mafokong a tebogo, boemong ja mothusa mokwaledi wa khansele wa potlana ya Mahalapye Mme Bosadi Matlapeng o ne a re kgaolwana potlana ya Mahalapye e na le bothata jwa go tlhaelelwe ka madi, a supa fa ba na le dikole di le 52, mme go le thata go di neela ditlamelo tse di lebanyeng. economy_business_and_finance 3 Lentsweletau o babaletswe ke letlhoko la madi – kgosi Kgosi Tau Makgasane wa Lentsweletau a re kwelotlase ya itsholelo e e bakileng letlhoko la madi le le itemogelwang ke lefatshe leno e amile motse wa bone ka mashetla. E rile a buisanya le BOPA bosheng, Kgosi Makgasane a tlhalosa fa sengwe le sengwe se se amanang le ditlhabololo mo motseng wa Lentsweletau le metsana e okametsweng ke one di eme ka lone lebaka la letlhoko la madi. O kaile fa e rile dingwaga e santse e le tse di namagadi, ba nna le ditsholofetso tsa ditlhabololo dingwe, mme ka go tlhoka lesego go sa kgona go diragatswa dipe. A re motse wa bone o ne o tlhomilwe go nna boremelelo jwa kgaolo potlana, mme ka gone go tlhoka madi ga puso, motse o rotswe mamemo ao, go setse fela ka diofisi tsa bodiredi tse a kayang fa le boleng jwa tsone bo sa itumedise ka bo tlhaela. Kgosi Makgasane a re tsela e tswang mo Lentsweletau e ya Molepololeke e e tswang kgakala e le mo seemong se se sa ba itumediseng, ke yone e berekang thata ka ba e dirisa go ya go tsaya ditlamelo tse tsotlhe ba di tsayang kwa Molepolole, ka jalo e tlhoka go tsibogelwa e tsenngwe sekontere. Go ntse go le foo, Kgosi o tladitse ka gore go na le letlhoko la kokelo potlana le sekolo se se golwane. A re sekolo se se golwane sa bana ba mophato wa bongwe go ya kwa go wa boraro se se leng teng sa Motswakhumo Junior Secondary School se tsaya bana go tswa mo dikolong tse di potlana di le masome le botlhano go tswa mo Lentsweletau le metsana e mabapi. “Fa ba aloga mo mophatong wa boraro, bana ba tsweledisa dithuto kwa dikolong di tshwana le Mogoditshane Senior Secondary, mme bangwe ba ye bokgakala bo tshwana le Goodhope Senior Secondary,” Kgosi a tlhalosa. A re o itemogetse gore bana ba ba sa itewang seatla ba ikgaphela kwa thoko ka lebaka la go sa tlhaloganyeng mananeo ka go farologana ga one, mme ba tseye gore ke a ba ba rutegileng fela. Kgosi Makgasane a tlatsa ka gore fa ba bitsa diphuthego tsa bana re tshwaragane le ba lephata la banana, ba ba sa tsenang dikolo kgotsa ba sa kgona go wetsa dithuto tsa bone, ga ba tsenelele diphuthego tse. O weditse ka gore dithuto tse di tseneletseng ka mananeo a banana di a tlhokafala gore banana ka kakaretso ba a tlhaloganye sentle, e bile ba ba sa itewang letsogo ba se tlelwe ke boitlhobogo ka ba ka tswa ba na le dikitso le ditalente tse dingwe tse ba ka di dirisang mo dikgwebong. society 9 Lengau le bonwe kwa Lobatse Mmamapodisi wa Lobatse, Superintendent Photsanyana Mogatsaseno, o rurifaditse tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng lengau le sule kwa Thema gaufi le kokelwana ya Motswedi mo Lobatse ka Laboraro. Superitendant Mogatsaseno o rurifaditse se mo potsolosong, a re ba begetswe tiragalo eo ke setshaba mo mosong fela morago ga nako ya bosupa. A re go belaesega lengau leo le bolailwe ke ditshwene morago ga ntwa, ka jaana le fitlhetswe le na le ntho e tona mo tlhogong. O ne gape ar e lengau ke phologolo ya naga ka jalo go a kgonagala gore le ka bonwa fag are ga toropo le fa le tshabega bobe ebile le itsege le le borai mo bathong le mo diphologolong tse dingwe. O tsweletse ka go gakolola setshaba gore fa ba bona phologolo ya mofuta oo, ba seka ba e tlhasela go sa tlhokafale, mme ba begele ba ba maleba jaaka ba lephata la diphologolo le mapodisi. Fa a botsolotswa ka phologolo eo, mogolwane kwa ofising ya tsa diphologolo kwa Otse Mme Keitseone Motsumi one a rurifatsa fa phologolo eo ele lengau, ebile a le kaya ele phologolo ee borai fela thata. Are le tlwaelesegile go bonwa thata mo sekgweng mme are ga go thona gore lebo le bonwe fag are ga toropo ka ele phologolo e e tshelang ka go tsoma, ka jalo motsamao wa lone o laolwa ke go batla dijo. Mme Motsumi o tlhalositse gape gore dintho tse di fitlhetsweng mo tlhogong ya lengau leo di supa fa le kopane le ditshwene mme yare go lweng ga tsone la fenngwa ka le ne le obogile letlalo la tlhogo, are ga go belaesege ka gope fa le bolailwe ke motho. A re lengau leo le tla apolwa letlalo mme letlalo leo, le bewe sentle go tla le rekisediwa ba ba maleba, fa nama ya teng yone e tla a ya go latlhelelwa manong kwa kampeng ya Manyelanong. O ne a gakolola batho go ikela tlhoko fa ba tsamayang teng are phologolo ya mofuta oo e ka bonwa gongwe le gongwe e bile nako nngwe le nngwe ka e bile ele paka ya leuba e dijo di sa bonweng motlhofo mo sekgweng. A re bo go botlhokwa thata go itse matlhale le matsipa otlhe a go tshedisana le dipholgolo tsa naga gore di seka tsa tlhasela motho, jaaka go itsege gore lengau ga le bate go lebagana le matlho a motho, ka jalo fa motho a bona lengau a leke ka bojotlhe go sa lebagana le lone. O ne a re mme fa go ka diragala gore phologolo eo, e tlhasele, batho ba leke ka bojotlhe go iphemela mme fa ba fentse ka go e bolaya, ba begele ba ba maleba. A re fa motho a bolaile phologolo ya nag aka go iphemela e bile go na le bosupi jo bo papametseng gore motho yoo, o ne a bolaya phologolo ka go iphemela, ga go na molato ope o mohto yoo a ka o lebisiwang.Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Kgosi o atla moletlo wa letlhafula Moemela kgosi yo mogolwane kwa Maun, Kgosi Charles Letsholathebe a re letsatsi la ngwao la letlhafula le botlhokwa thata ka jaana le supa ngwao. Kgosi o buile jalo fa a bula moletlo wa dijo tsa letlhafula semmuso kwa Cresta Rileys kwa Maun Seetebosigo a thola gangwe. A re moletlo oo o supegetsa merafe e e tswang kwa ntle ga lefatshe leno gore Batswana ke batho ba ba itshetletseng mo ngwaong. A re go boammaaruri gore tshaba e se nang ngwao ke moka e latlhegileng, mme ka jalo a kopa bagolo gore ngwaga le ngwaga fa moletlo wa letlhafula o nna kwa Maun, ba nne ba isa bana gore ba ye go ithuta ka ngwao. O tlhalositse fa go ipela e le bontlha bongwe jwa go tlhabolola lefatshe, a tswelela a re nako ya gompieno ke e ditlhabololo di fekeetsanang ka dingwao le setso. Kgosi Letsholathebe a re banana le bagolo ba setse ba ineetse mo ngwaong tsa batswakwa ba ikgatholosa ya bone, ba bo ba ya le dilo tse ba reng ke tsa ditlhabololo mme a re ga go ree gore tlhabololo e raya gore ba bifele segabone. O akgotse barulaganyi ba moletlo oo, ba Cresta Rileys le ba poko ba Poetavango, a re letlhafula le tlaa ba golaganya ka jaana kgaolo ya bokone bophirima e na le dingwao tse dintsi tse ba ikgantshang ka tsone. A re batho ba tshwanetse go tlhaloganya gore mo dingwageng tse di fetileng, dipula di ne tsa nna boutsana, a re ke sone se se dirileng gore moletlo oo o seka wa tshwarwa. O tlhalositse fa gape kgaolo ya Nhabe e na le mefuta ya dijo e e sa bonweng mo mafelong a mangwe jaaka tswii, makhongara le tse dingwe. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Boitshwaro jwa banana bo tshwenya kgosi Kgosi ya motse wa Mmadikola mo kgaolong potlana ya Boteti, Kgosi Tlhabologo Boima a re o tshwengwa ke go tlhoka go itshwara sentle ga banana. Kgosi Boima o buile jalo mo phuthegong ya kgotla, e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa kgaolo, Rre Slumber Tsogwane bosheng. Kgosi a re o tlhobaetswa ke gore seemo se fa se ka tswelela se ntse jaana lefatshe leno le tla senyega. Rre Boima a re o dumela gore go tshwanetse ga dirwa sengwe ka seemo se, a re go ka ntshiwa lekoko le le tsamayang le gakolola banana ka ditla morago tsa boitshwaro jo bo sa siamang. Kgosi Boima o ne gape a supa letshwenyego la go tlhoka go tshwaragana ga magosi, a re ga ba gakololane ka tsamaiso ya tiro ya bone. A re go tshwanetse ga dirwa thulaganyo ya gore magosi ba ne ba kopa ka gore go ka ba thusa go amogana maele a tiro ya bone. O ne a rotloetsa morafe go tshwaragana le ba sepodisi gore batle ba kgone go lwantsha borukutlhi. E rile a rolela Rre Tsogwane pego ya komiti ya ditlhabololo tsa motse, modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Lovemore Gobonwang a tlhalosa fa selelo segolo sa bone se se tswang kgakala e le motlakase kwa bophirima jwa motse oo, mathata gatwe ga ba mo poleneng. Rre Gobonwang o ne gape a re ba kopa gore ditsela tse di fa gare ga motse di tshelwe le kgarapana, diofisi tsa kgotla di tsenngwe maranyane. E rile a tsibogela matshwenyego a bone, Rre Tsogwane a ba tlhalosetsa fa ba lephata la motlakase ba na le lenaneo le ba le dirisang go atolosa motlakase. Tona Tsogwane o tlhalositse fa letshwenyego la ga kgosi la boitshwaro jwa banana puso le yone e tshwenyegile ka jone. Tona o tlhalositse fa Tautona a ne a bolotsa letsholo la matona a puso gore ba ye go sekaseka seemo ko dikolong . Rre Tsogwane a re ba fitlhetse dikolo dile makgasa, mme tshenyo e nngwe go supafala gore e diriwa ke bana. Tona a re batsadi ba na le seabe mo tshenyong ya bana, a tlhalosa gore bogologolo go ne go sena tshenyo mo dikolong ka gore bana ba ne ba tshaba ba le boi. A re bana ba ba tlhokang tsebe ba, ke ba ba senang sepe le dithuto, a kopa batsadi gore ba kgalemele bana ka gotwe lore loojwa le sale metsi. BOKHUTLO society 9 Banana ba kereke ya ABFGAC ba supa bopelotlhomogi Banana ba kereke ya ABFGAC mo kgaolong ya Lerala/Maunatlala ba eme ka dinao go lwantsha botlhoki mo kgaolong ya bone ka go thusa banana ba bangwe ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Fa a bua kwa kgotleng ya Majwaneng ka letsatsi la go abela masiela dimpho tse di akaretsang melora, mogokanyi wa kereke eo, Rre Abraham Selelo a re maikaelelo a bone ke go lwantsha dikgwetlho ka go supa mowa wa bopelotlhomogi mo go bangwe ka bone. A re mo bokopanong jwa bone e le banana ba kereke ya ABFGAC jwa ngwaga le ngwaga jo ba neng ba bo tshwaretse gone mo Majwaneng ngogola, ba ne ba thulanya ditlhogo go tswa ka megopolo ya gore ba ka thusa jang metse e e mo kgaolong ya bone. A re gape ka go supa mowa wa bopelotlhomogi maikaelelo ke go ngoka banana ba ba mo mekgwatlheng go atamela Modimo. A re ka thuso ya ofisi ya boipelego mo metseng e ba tshwarelang bokopano mo go yone ba ka tsisa tsholofelo ya botshelo mo go ba ba tlhokileng lesego mme pheletsong ba inaakanya le go tsena kereke. Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa kereke eo mo Ratholo, Rre Joshua Kedumetse a re ntswa kereke ya bone e le nnye ba tsweletse ka go thusa setshaba mo dikgwetlhong tse ba kopanang le tsone. Rre Kedumetse a re e le kereke ya ABFGAC ba ikaegile ka mafoko a Baebele a a reng ‘go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang,’ a kaya fa a rotloetsa Batswana go supa lerato le mowa wa bopelotlhomogi. A re go botlhokwa gore dikereke di eme ka dinao go tshwaragana le puso ka go supa mowa wa bopelotlhomogi, a kaya fa seo se ka busetsa seriti mo go ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Mo boemong jwa ofisi ya boipelego ya Majwaneng, Mme Oaitse Mmagoajewa o ne a lebogela kereke ya ABFGAC ka dimpho tseo, a supa fa ofisi ya bone e tlaa abela bana ba masiela ba le masome mane le bone mephuthelwana ya melora. Mme Mmagoajewa o ne a kopa kereke eo go tswelela ka go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. religion_and_belief 8 A bakgweetsi ba diterekere ba tlhongwe leitlho Banni ba Tsamaya mo kgaolong ya Tati Botlhaba ba re go botlhokwa gore bakgweetsi ba diterekere tse di lemelang balemi ba tlhomiwe leitlho go tlhomamisa gore ba dira tiro ya bone ka fa tshwanelong. E rile ba akgela mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mothusa tona wa lephata la temo-thuo, Rre Oreeditse Molebatsi kwa motseng oo bosheng, banni ba supa fa ba santse ba tshwenngwa ke beng ba diterekere dingwe ba ba lopang balemi madi a leokwane ba kaya fa ditshenyegelo tsa bone di le kwa godimo mme e bo e re morago ba duelwe gape ke puso ka lenaneo la ISPAAD. Monni mongwe wa Tsamaya, Rre Samson Masole a re le ntswa puso e rotloetsa batho go inaakanya le temo e e tlhabolotsweng ya go lema ka ditselana, sebe sa phiri ke go bo didirisiwa tsa temo ya mothale oo di tlhaela. Rre Chidzani Mbikiwa ene o boletse fa ba tshwenngwa ke go bo ba sa bone thuso e e nametsang kwa makalaneng a lephata la temo-thuo ka bodiredi bo kaya fa go na le tlhaelo ya dikoloi. O kopile puso go tlhomamisa gore e okeletse lephata leo dikoloi gore bodiredi bo kgone go itepatepanya le dikgang tse di amang lephata leo bogolo jang tsa barui. Fa a tswa la gagwe, Rre Molebatsi o kgadile mokgwa wa beng ba diterekere wa go lopa balemi madi mangwe kwa thoko le ntswa puso e itlamile go lemela batho mahala. O gakolotse beng ba diterekere go lemela batho go ya ka go bapa ga masimo a bone go na le go ba lemela go ya ka fa ba ikwadisitseng ka teng. Rre Molebatsi a re fa terekere e fetsa go lema mo masimong a a bapileng, ke gone e ka yang kwa go a mangwe a le one a bapileng, go itsa gore e nne e ya kwa le kwa tsatsi le letsatsi, e lema masimo a a katologaneng mo go felelang go baka gore ba nne le ditshenyegelo. O tshepisitse banni ba motse oo fa puso e le mo thulaganyong ya gore mo nakong e e sa fediseng pelo e rutuntshe bakgweetsi ba diterekere tsa puso le tsa beng, fela o boletse fa a itumedisiwa ke go bo lenaneo la ISPAAD le thusitse lefatshe leno go oketsa dijo mo go bonalang. Mothusa tona o tlhalositse gore mo pakeng eno ya temo, puso e tla lemela ba ba inaakanyang le temo ya go lema ka ditselana fela, a supa fa gape balemi ba tla a fiwa dipeo le go thusiwa ka tshefi e e bolayang mohero gonne go dira jalo go supagetse fa go ntsha maduo a a seng kana ka sepe. Rre Molebatsi a re ka fa dipalo di supang lefatshe leno le oketsang dijo ka teng, puso e tla tshwanelwa ke gore jaanong e batle mebaraka ya ditsa temong di tshwana le mabele le mmidi kwa mafatsheng a sele. Mothusa tona o gwetlhile banni go inaakanya le thulaganyo ya go leletsa matona go itse botoka ka mananeo mangwe a puso. BOKHUTLO society 9 Jeme ya lerotse e ogola Mokgojwa mo lehumeng Bonatla le lorato la se motho a se dirang di ka ntsha maduo ebile di ka godisa baba nang le keletso ya go iketsha mo lehumeng. Se se tlhalositswe ke Mme Gakekaelwe Mokgojwa wa motse wa Salajwe yo o itshetsang ka go dira jeme ya lerotse. Mo potsolotsong, Mme Mokgojwa o tlhalositse fa e le mongwe wa baba neng ba nna lesego go tlhophiwa ke ba ofisi ya boipelego go ya dithutong morago ga ba sena go lemoga gore ke senatla mo go itireleng ka diatla. A re bonatla jwa gagwe ba bo lemogile ka a ne a itshetsa ka go lema merogo mo segotlong mme a e rekise mo motseng le go e isa kwa ditshupong tsa temo thuo tsa ngwaga le ngwaga tsa kgaolo ya bone. O tlhalositse gore o ne a bona maduo a a kgotsofatsang kwa ditshupong a re bonatla ja gagwe ke jone bo mo thusitseng go isiwa dithutong tsa go dira dijo le tshomarelo ya tsone kwa sekolong sa ithutelo ditiro sa BUAN kwa Sebele ka ngwaga wa 2013. Mme Mokgojwa a re ke gone kwa a anywileng botsipa ja go dira jeme ya lerotse teng e mo nakong eno a itshetsang ka yone ntswa a tsweletse le ka go lema merogo. A re jeme ke dijo, ka jalo go botlhokwa go netefatsa gore lefelo le e direlwang mo go lone le phepa e bile megare e bolailwe mo didirisiweng tsotlhe tse di dirisiwang mo tirong e o. Mme Mokgojwa a re o ikaelela go kgaogana botsipa jo le bomme ka ene mo motseng ka go ba rutuntsha gore le bone ba tokafatse matshelo a bone. A re ke keletso ya gagwe go tsweledisa dithuto tse tsa tshomarelo ya dijo ka a re o nyoretswe go ithuta go le gontsi. A re dipoelo tsa thekiso ya jeme di mo thusitse go menaganye ka ga ba wele mo isong ene le ba lelwapa la gagwe ka di mo thusa gape go ipega a ya bongakeng ka a tlhalositse fa a tshwenngwa ke bokoa. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Kereke e abela bana Maloko a kereke ya Bantu Church of Christ, ba abetse bana ba dingwaga tse pedi go ya go tse di lesome le bone ditshwantsho tse ba tshamekang ka tsone. E rile a amogela baeng kwa tirong eo, Mme Neo Puleng a supa fa se ba se dirang e le lorato, a supa fa e le ngwaga wa bobedi ba ntse ba dira tiro eo. Mme Puleng o boletse fa ba fetisetsa lorato le ba nang le lone kwa baneng jaaka ba le rutilwe, a bo a tlhalosa fa ba tlaa tswelela ba dira jalo. Modulasetilo wa lekgotla la baruti kwa Motokwe, Bishop Tuelo Kelebeng o ne a supa fa ba leboga motsadi mongwe wa Moamerika yo o neng a gwetlhega go rekela bana ditshwantsho tse ba tshamekang ka tsone. O kaile gape fa a lebogela ba kereke ya Bantu go bo ba godisetsa bana mo tumelong ya Sekeresete, a supa fa bana ba ba godisediwang mo Sekereseteng ba gola sentle, e bile ba sa tsoge ba tsenya mapodisi dingalo. Rre Teko Kemofetile o kopile batsadi gore e re fa ba ya dikerekeng ba seka ba romela bana kwa merakeng. Rre Kemofetile o kopile batsadi go tlhokomela bana, a supa fa bana ba ba sa tshwarweng sentle fa ba gola ba tswa mo tseleng. Tona wa thuto e kgolwane e bile e le mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Ngaka Ngaka, o ne a tlhalosa fa puso e tshwaragane le bothata jwa bana ba ba ingaotseng mo tsamaisong ya batsadi le ya puso. O tlhalositse gore se kereke ya Bantu e se dirang ka go abela bana e le go ba aga ba sale bannye, a bo a supa gore go ikgolaganya ga bone le ba mafatshe a sele go ba abela dimpho ke tiro e ntle. O kopile ba kereke eo go tswelela ba aga bana ba sale bannye gore ba tle ba gole ba sa nwe bojalwa le go goga motokwane. Tona o tlhalositse fa lekwalo la ga Diane kgaolo ya ntlha, temana ya bosupa le tlhalosa fa poifo Modimo e le tshimologo ya botlhale. O kopile botlhe ba ba batlang botlhale go ikatumetsa Baebele. religion_and_belief 8 Ba fitlhetswe ka mokowa wa ditlhapi E rile bosheng mapodisi, masole le lephata la diphologolo ba tshwara batho ba le lesome morago ga go fitlhelwa ka mokowa wa ditlhapi kwa Ngami. Batho ba le batlhano, ba go belaesegang e ne e le batswakwa, ba ne ba le botsa phokoje. Ba belaelwa ba fitlhetswe ka mekowakowa ya ditlhapi tse di omisitsweng le tse di metsi. Go tshwarwa ga ditlhapi kwa Ngami go santse go emisitswe ka nakwana, ka jalo yo di tshwarang o ipiletsa tsheko. Bangwe ba batho ba ba tshwerweng ke basetsana ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le borobabobedi le masome a mabedi. Ba boletse fa go le bokete gore ba re ba ka emisa go tlola molao le ntswa ba tlhaloganya gore ke molato ka ba re ke gone ka fa ba tshelang ka teng ka e bile ba sa bereke fa e sale ba fetsa mophato wa botlhano kwa sekoleng se segolwane sa Maun ka 2013. Go ya ka mogolwane wa diphologolo makgabisanaga kwa Maun, Rre Gaebonwe Monnaatsheko, batho ba ba tshwerweng ba tlaa atlholwa sekete sa dipula fa ba ka bonwa molato. E re dikgang di eme jalo, mogolwane wa mapodise a Sehithwa, Assistant Superintendent Moutlwatsi Ikobeng a re go batlwa ga rre yo magatwe a neng a re o wetse mo letsheng leo go emisitswe ka tota go ne go se na bosupi jo bo papametseng jwa gore motho o nwetse mo noken crime_law_and_justice 1 Senjwalejwale se na le ditlamorago Batswana ba kopilwe go boela morago ditsela tse ba tshelang ka tsone mo bogompienong. Se se builwe ke Moruti Solly Ketshabathupa jaaka a ne a simolodisa kgwedi ya thapelo kgatlhanong le mogare wa segajaja kwa Mahalapye ka Laboraro, Phatwe a tlhola gane. Moruti Ketshabathupa a re Batswana ba tshwanetse ba boele morago mme ba batle tsela e batho ba bogologolo ba neng ba tshela ka yone.O tlhalositse fa tsela eo e le ya poifo Modimo a re ke ka moo malwetsi a tshwana le a segajaja a ne a seyo mme ebile a sa gapele batho botshelo ka mmetela. O ne a bua a sa kgwe mathe ka tsela ya sesha, a re malatsing ano ditsela di dintsi tse di itiretsweng ke batho ebile di matswakabele go ka itse gore go ka tsewa efe. O tlhalositse fa ditsela tse di ithaelwang, di isa thaelong mme ka jalo a kopa setshaba sa Botswana go tsaya tsela ya poifo Modimo a re ga e kitla e ba latlha.Moruti Ketshabathupa a re tsela ya Modimo e ka tswa e lebega e fitilwe ke dinako, kgotsa e lebega e le thata, mme e sa timetse, a tlatsa ka gore e na le kagiso. O ne a a re ke yone e tsepameng go ka fedisa mogare gotlhelele.O ne a kopa setshaba sa lefatshe leno go latela Modimo le go diragatsa se a reng se dirwe a tlatsa a re ka jalo lefatshe le tla fola gareng ga dipharagobe di akaretsa leuba, malwetse le letlhoko la pula. A re tsela ya sesha, ga e kgathale mabapi le go tlolaganya molekane, go ya kafa le kafa a re ka jalo ke ka moo bolwetsi jwa HIV/AIDS bo anama go ya pele. A re ga go makatse mo tseleng ya senjwalejwale go nna le bakapelo ba bantsi, mme a re mo tseleng ya Modimo motho o ka nna le maitlamo a go ikaga sesha mme a nne le ditsela tse dintsi tsa go rata le go itumedisa mokapelo wa gagwe a le mongwe.Moruti o ne a kopa Motswana ope go lwa kgatlhanong le mogare a re Batswana ba eme ka dinao ka lefatshe la bone le a nyelela. O ne a kopa baruti ka ene go diragatsa se lefoko le se buang a re ke bakaedi mme ka jalo a re ba rere lefoko la Modimo e seng sepe gape ka ke lone le le ka bolokang setshaba sa Botswana. BOKHUTLO health 6 Letshololo le tlhasetse baithuti Baithuti bangwe ba sekolo se segolwane sa Mmashoro ba tlhasetswe ke letshololo. Se, se boletswe ke motshwarelela mogolwane wa thuto mo kgaolong ya legare, Rre Kereng Koko. A re ba amogetse pego bosheng e e supang gore bana ba le barataro ba tsenwe ke letshololo, mme a re e rile ba tsena kwa sekolong ba fithela bana ba le lekgolo le lesome ba amilwe ke letshololo. Mo baneng ba, ba ba lekgolo ba nna mo sekolong. Rre Koko a re ba ne ba kopana le bogogi jwa sekolo le baoki kwa kokelong mme baoki ba supile fa go gateletswe ba le babedi fela. Bana bao ba kaile fa ba tshabelelwa ke go opiwa ke tlhogo. Ba lephata la botsogo ba tlhatlhobile ntlo ya boapeelo le matlwana a boitlhomelo ka jalo ba santse ba emetse maduo go itse se se ka tswang se bakile bolwetse jo. Rre Koko o tlhalositse fa bana ba setse ba boetse sekolong mme ga go ise go nne le matshwenyego a mangwe gape. Mogokgo wa sekolo, Rre William Ndwapi, o ne a tlhalosa fa a ka seke a akgele ka ka kgang e, a re boikarabelo joo bo neetswe bogolwane kwa ofising ya kgaolo kwa Serowe. health 6 Polka e gorogile kwa Boteti Lerato la mmino wa Polka o o fitlhelwang thata kwa kgaolong ya Kgalagadi le keletso ya go ithuta ngwao ya merafe e mengwe, di gwetlhile banana bangwe ba Letlhakane go tlhama setlhopha sa mmino oo. Setlhopha sa Gunamoo Dance Group se tsweletse ka go jesa monate banni ba kgaolo potlana ya Boteti ka go ba tlisetsa mmino o go lebegang o le kwa mankalenkaleng e bile o ratega bobe. Moeteledipele wa setlhopha, Mme Gofaone Molaletsi o tlhalositse fa a ne a kgatlhiwa ke mmino wa Polka kwa dikgaisanong tsa malatsi a ga Tautona tse di itebagantseng le go rotloetsa Batswana go ipela ka mmino kwa ngwao. Mme Molaletsi o tlhalositse fa a ne a kgatlhiwa thata ke ditlhopha tse di neng di diragatsa kwa dikgaisanong tseo ka ngwaga wa 2012, a re ntswa mmino wa Polka o sa tlwaelesega mo Boteti o ne a bona go le matshwanedi go tlhama setlhopha sa mmino o ka e bile e le nngwe tsela ya go ka ithuta le go amogana dingwao tse di pharologanyo mo lefatsheng leno. O tlhalositse fa maikaelelo a go tlhama setlhopha e le go anamisa le go rotloetsa mmino wa Polka mo Boteti ka bontsi ja batho ba sa o tlwaela. A re gape o ne a batla go ntsha banana ba ba sa direng sepe mo mebileng, a supa fa a tshwenngwa thata ke banana ba ba senang maikaelelo a go itirela sepe bangwe ba bone ba diiwa ke nnotagi. Mme Molaletsi a re o ne a lemoga fa banana ba na le bokgoni ka jalo go tlhama setlhopha se ke maiteko a go ka ntsha banana mo mebileng le go ba rotloetsa go dira sepenyana se se ka tlhabololang matshelo a bone. Gore setlhopha se kgonne jang go felela se bina mmino wa Polka jaaka se tsweletse, Mme Molaletsi a re o ne a kopana le mogolwane wa setlhopha sa Honey Polka kwa Jwaneng ebong Rre Petrus Matthys gore a mo tlhatlhelele ka mmino oo. A re ba amule go le gontsi mo setlhopheng sa Honey Polka. Setlhopha sa Gunamoo se na le badiragatsi ba le lesome le bone, bomme ba supa le borre ba supa. Mme Molaletsi o tlhalositse fa kompone ya Debswana e ne ya ba rotloetsa ka go ba rekela paka e ba binang ka yone. O tlhalositse fa setlhopha se ne sa tsenelela dikgaisano tsa malatsi a ga Tautona ngogola mme ba anywa go le gontsi mo go tsone. A re setlhopha se ne gape sa tiisiwa moko ke go lalediwa go ya go diragatsa kwa Khawa Dune Challenge mono ngwaga, a tlatsa ka gore seo se ne sa dira gore setlhopha se nne tlhaga ka ba ne ba tlhophiwa ntswa go na le ditlhopha di le dintsi kwa kgaolong ya Kgalagadi tse e leng dikakapa tsa mmino o. Mme Molaletsi o ne a tlhalosa fa banni ba Boteti ba rata mmino wa Polka ka gore setlhopha se kgona go lalediwa mo ditirong tsa morafe ka go farologana go balelwa le mekete e mengwe jaaka manyalo. A re le fa e le maikaelelo a bone a go anamisa mmino wa Polka mo Boteti ba lebanywe ke dikgwetlho di akaretsa go tlhoka lefelo le ba ka ikatisetsang mo go lone, tlhaelo ya madi a go ka tsamaisa setlhopha ga mmogo le sepalamo se ba se dirisang fa ba ya dikgaisanong. O tsweletse a kopa setshaba le dikompone ka go farologana go rotloetsa setlhopha a supa gore le fa gone lephata la banana le sa die go lekanye maiteko a bone a tlodisa setlhopha nokana di tletse. A re ba kgona go thusa setlhopha ka sepalamo le tse dingwe ka nako ya dikgaisano. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Go ikgapela matshelo ga banana go a tshwenya Kgosi wa Kang, Mme Basadi Seipone o supile fa a sa jesiwe diwelang ke banana ba ba tsweletseng ka go ikgapela matshelo mo motseng wa gagwe. Fa a bua mo puisanyong le A re se se ngomolang pelo ke gore dibeke di ne di kgona go tlhomagana ba ntse ba amogela dipego tsa banana ba ba ikgapetseng matshelo mme go sena mabaka a a utlwalang a gore ke eng ba tsere tshwetso eo. Kgosi Seipone a re kgang e, e apesitse motse wa gagwe kobo ka letshoba e bile fa e sa tsibogelwe ka bofefo e tlaa felela e tlogela setshaba se sena bathusi le babusi ba kamoso. O supile fa ba solofetse go le gontsi e bile ba beile tshepo le bokamoso jwa lefatshe mo diatleng tsa banana. Kgosi Seipone o kaile fa molemo mogolo e le go boifa le go inaakanya le Modimo. O gakolotse banana gore fa ba na le seemo ba itlwaetse go bua mathata a bone kwa go ba ba maleba gore ba tle ba kgone go bona thuso e e feletseng. Kgosi Seipone a re Modimo ke ene fela yo a ka ba thusang go tsaya ditshwetso tse di maleba mo botshelong le go ba fa kagiso le boitumelo ka dinako tsotlhe. Ka jalo o gwetlhile monana mongwe le mongwe mo motseng gore a tseye kgato e e maleba mo ngwageng o mosha ka go amogela Keresete jaaka Morena le mopholosi mo botshelong jwa gagwe gore a tle a heme diemo tsa go tshwana le go ikgapela botshelo. Kgosi Seipone o bile a kpa morafe gore o amogele le go tshelela Modimo ka nako tsotlhe gore ba tle ba amogele ditshegofatso. O kopile bakgweetsi le batsamaya ka dinao go tsaya boikarabelo jwa go nna kelotlhoko ka dinako tsotlhe mo ditseleng. O kaile fa nnotagi le koloi di sa kopane gope fa e se go gapa matshelo le go tsisa selelo le khurano ya meno mo masikeng le ditsala. Ka jalo o gwetlhile mokgweetsi mongwe le mongwe go iphapaanya le go kgweetsa a itshietse. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Ba rotloediwa go nna pelo telele Mookamedi wa Ofisi ya Banana, Motshameko le Nngwao mo Bokone Bophirima o gwethile banana go nna pelotelele gore ba kgone go akola mananeo bogolo jang le le fang banana tshono ya kgwebo la Youth Development Fund. E rile a bua kwa phuthegong tsa go isa ditirelo kwa magaeng e e neng e rulagantswe ke ba ofisi ya Molaodi ya Maun, Mme Gladys Kelebemang a supa fa go sena banana ba ba tsereng lenaneo leo mo motseng wa Phuduhudu. Mme Kelebemang o ne a re banana bangwe ba fela pelo fa ba nna ba busiwa ke ba ofisi ya Banana gore ba baakanye dikopo tsa bone kgotsa ba ise dilo dingwe. O tlhaloseditse banni ba motse oo fa go dira jalo go baya banana ka fa mosing, a re ba ofisi ya gagwe ba busa banana kgapekgapetsa e le tsela ya gore dikopo tsa bone di atlege kwa pele, eseng go ba kgoba marapo. Mme Kelebemang o buile a kopa banana ba motse oo go tsenelela mananeo a Tirelo Sechaba, Graduate Voluntary Scheme(GVS) le InterNship go ithusa mo matshelong a bone ba direla puso mo nakong e tshwang. Modiredi go tswa ofising ya Economic Planning kwa Khanseleng ya Bokone Bophirima Rre Thabo Morapedi o ne a gakolola banana go dirisa ditlamelo tsa ba ofisi ya Local Entreprise Authority(LEA) go ikatisa ka tse di tlhokafalang mo go tsa dikgwebo. Rre Morapedi o ne gape a tlhalosetsa banni ba Phuduhudu fa go nnile le tiego mo mananeong a nyeletso lehuma ntlha ya gore ba ba neng ba tshwanetse go ya ithutuntshong ga ba a dira ka dikolo di ne di tletse mo Maun mme ba batelwa diphatlha kwa ntle ga Maun. Mothusa Molaodi mo Maun Rre Mogomotsi Madome o ne a supa fa phuthego tseo e le tsela ya go isa ditlamelo kwa bathong le go araba dilelo tse di neng di ntshitswe ke banni mo nakong e fetileng. Diofisi tse di akaretsang tsa Banana le tsa Ikwadiso ya Matsalo le Dintsho di ne di iseditse batho ditlamelo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Bontlhopheng ba itlama go emela Tlokweng ka dinao Bontlhopheng ba bopalamente kwa Tlokweng ba solofeditse gore kgang ya lefatshe kwa kgaolong eo ke nngwe ya tse ba di ipeileng pele. Rre Christopher Bogatsu wa Alliance for Progressives (AP), Rre Thulagano Segokgo wa Botswana Democratic Party (BDP) le Rre Kenneth Segokgo wa Umbrella for Democratic Change (UDC) ba buile jalo ka Mosupologo mo thulaganyong ya Seromamowa sa Botswana ya go ipapaletsa ditlhopho tse di tla tshwarwang kwedi eno ele masome a mabedi le boraro. Rre Bogatsu o supile fa a ikaegile ka matshego a le mararo e bong go direla sengwe le sengwe mo pontsheng le go dira gore makalana a twantsho borukutlhi le a mangwe aa sekasekang tsamaiso a ikemele ka nosi. Rre Bogatsu o supile gape fa a tlaa itebaganya le tsa botsogo, thuto le pabalesego ya bana. A re ga go jese monate go bona bana ba bannye ba ya dikoleng phakela thata go sena dipone tsa mo mokgwatlheng. Rre Bogatsu are fa phathi ya gagwe e ka fiwa sebaka sa go busa, e itlama go tsenya dipone mo mebileng le go dira ofisinyana ya sepodisi gore mapodisi a kgone go bonala. O supile fa lefatshe le le botlhokwa e bile lee fa motho seriti. A re phathi ya gagwe e itlama go netefatsa gore Motswana mongwe le mongwe o nna le lefatshe le ka lone a ka kgonang go bona bonno kgotsa kgwebo. Rre Segokgo wa BDP o kopile Batswana go lebelela se Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a se dirileng fa a sale a nna mo setilong. “Diphetogo le ditlhabololo tse a tsileng ka tsone ke sekao sa gore BDP e santse e ka direla Batswana go le gontsi,” a tlatsa jalo. O ne a supa gape fa a itlama go bereka le Tautona Masisi go lwantsha tshwenyetso setshaba ka go supegile gore itsholelo ya lefatshe e ka phutlhama fa go sa dirwe sepe. Rre Segokgo o kopile Batlokwa go mo tshepha mo maikaelelong a gagwe a go tlhabolola Batlokwa le lefatshe mme are o tlaa dira se le makhanselara a phathi ya gagwe. O ne a itlama go itebaganya le ditsela, dikago le go fefosa kabo ya lefatshe. “Tautona Masisi o setse a dirile gore ditsetlana tsa tiriso ya lefatshe di tokafadiwe gore di seka tsa kgoreletsa batho.” A re o tlaa bereka le banana a ba thusa go nwa moro mananeo a puso le go ba ruta gore kgwebo e dirwa jang. Rre Segokgo o supile fa a tsile go dira gotlhe gore Tlokweng e agelwe sepatela. Rre Kenneth Segokgo wa UDC a re ene o eletsa go tsisa diphetogo mo matshelong a Batswana, fela jaaka bukana ya bone ya maitlamo e tlhalosa. O tlhalositse fa phathi ya gagwe e itebagantse le dikgwetlho tsa Batswana e bile a solofetsa gore ba tla sekaseka molao wa pereko. A re UDC e tlaa okeletsa bagodi madi go ya kwa go P1 500 gore ba kgone go itshetsa. O supile fa ba tlaa fetola thuto ka go tlhomamisa gore bana ba simolola go rutwa kwa dikoleng ka tiriso ya maranyane a dikhomputara. A re keletso ya gagwe ke go fiwa sebaka sa go ya go emela Batlokwa kwa palamenteng gore a tle a kgone go fefosa phetolo ya tiriso ya lefatshe mo mafelong mangwe a Tlokweng. “Puso ya UDC e itlamile go dira ditiro di le 100 000 mme ke eletsa gore bontlha bongwe jwa tsone di nne mo Tlokweng.” A re toropo ya Gaborone e feletswe ke lefatshe mme selo se e ka nna sebaka sa kgaolo ya gagwe go dirisa lefatshe go tlhama dikgwebo le mebereko. politics 7 Ba Lerala/ Maunatlala ba laela mogaka E rile Ferikgong a tlhola malatsi a robabongwe matshwititshwiti a banni ba kgaolo ya Lerala/ Maunatlala ba bo ba phuthaganetse kwa kgotleng ya Lerala go laela Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama yo ba mo kaileng fa e le mogaka e bile a dirile ditlhabololo di le dintsi mo kgaolong ya bone. Dibui ka go farologana ba ne ba leboga Tautona Khama go bo a rutile Batswana mowa wa lerato le kutlwelobotlhoko. Ba boletse fa Tautona Khama a ne a na le tebelopele ka a ne a direla Batswana mananeo a a farologaneng. Ba boletse fa Tautona Khama a diretse banana, bagolo le batlhoki mananeo a a itebagantseng le bone. Tona wa tlhokomelo lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopho leswe, Rre Prince Maele yo e bileng e le mopalamente wa Lerala/ Maunatlala o ne a bolela fa banni ba kgaolo ya gagwe ba sa lele ka ba tsile go laela senatla. A re o na le tsholofelo ya gore tiro nngwe le nngwe e Tautona Khama a ka e fiwang fa a tlogela botautona a tlaa e kgona. A re le fa e kare Tautona a tlogela tiro a fiwa tiro ya go emela lefatshe leno, o tlaa emela Batswana ka botswapelo ka a na le bokgoni. Rre Maele o ne a akgolela Tautona Khama go bo e le motho yo o tlotlang molao-motheo e bile a o obamela ka a tswa mo setilong sa boTautona a sa patelediwe ntswa kwa mafatsheng mangwe go na le bangwe ba baeteledipele ba ba sa obameleng molao-motheo wa mafatshe a bone. O ne a akgola Tautona Khama, a bolela fa e le sekao. Rre Maele a re Tautona Khama o kgomile dipelo tsa batho ba le bantsi e bile o ne a nonotsha puso ya batho ka batho. O boletse fa Tautona Khama e le motho wa batho ka a kgona go tlhola Batswana a tsena mo motseng wa bone le fa go le mogote tota. O ne a akgola Tautona a bolela fa a ne a ruta Batswana gore ba tshwanetse ba tlotle nako, a bolela fa mo nakong e e fetileng nako e ne e tsewa lolea. Rre Maele a re kgaolo ya gagwe e ne e le mo selelong sa letlhoko la metsi mme mo nakong eno ga se sa tlhole se le teng ntateng ya gore puso ya ga Tautona Khama e ne ya ba segofatsa ka letamo la Lotsane. A re metse ya kgaolo ya gagwe yotlhe e na le motlakase. A re Tautona o ne a reetsa kopo ya gagwe ya gore sekole se segolwane sa Moeng se gokelelwe mo letamong la Lotsane mme o itumelela seo. A re Tautona Khama o tlaa gakologelwa ka dikgang tsa ngwao tse di neng tsa upolola ngwao e e neng e sa itsagale. O ne a supa fa Tautona Khama a ratwa ke mafatshe a sele a tshwana le Zimbabwe, Kenya le Namibia. O ne a lebogela Tautona Khama go bo a ne a mo tshepha mme a mo neela maemo a go nna tona. Moemedi wa badirelapuso ba Lerala/Maunatlala, Rre Mokwadi Botshelo o ne a lebogela Tautona Khama go bo a ne a seka a ntsha badirelapuso mo ditirong ntswa lefatshe leno le ne le gomagomediwa ke go wela tlase ga itsholelo. O ne a lebogela mananeo a a itebagantseng le badirelapuso a tshwana le la go reka matlo, kadimo ya madi, go letlelela badirelapuso go simolodisa dikgwebo le gone go sa kgaoleng madi a dikamogelo tsa modirelapuso fa a ile go ikoketsa dithuto. Mopalamente wa pele wa Lerala/ Maunatlala, Rre Thebe Mogami yo o neng e le moemedi wa bagolo ba kgaolo a re Tautona Khama o ne a dira maitlamo otlhe a a neng a a bolela fa a tsaya setilo sa botautona, ka jalo go na le ditlhabololo tse dintsi mo lefatsheng leno. A re Batswana ba ratile boeteledipele jwa ga Tautona Khama, a bolela fa ba santse ba tshelela mo thokgamong e mo nakong eno e elediwang ke mafatshe a mangwe. society 9 Lenyora ga le robatse Draaihoek Banni ba Draaihoek kwa Kgalagadi Borwa ba lela ka letlhoko la metsi selo se ba reng se dia ditiro tsa ditlhabololo. Ba buile jalo mo phuthegong ya mopalamente wa kgaolo, Rre Sam Brooks, bosheng. Ba ne ba kopa mopalamente go ba kopela puso go tsisa ditlamelo tse di tlhokegang jaaka metsi. Kgosi wa Draaihoek, Rre Charles Bimbo, o tlhalositse fa lenyora le ba apesitse kobo ka letshoba. A re metsi ke konokono ka jalo go botlhokwa gore puso e tsibogele seemo sa motse oo. Banni ba tshelelwa metsi ke khamphane ya Water Utilities Corporation (WUC) ka teraka ba beile ditanka, dikupu le di emere mo tseleng. Selo se Kgosi Bimbo a reng se borai fela thata mo matshelong a bone. A re puso e ne e kile ya solofetsa go ba epela didiba di le pedi, mme maikaelelo ao a seka a diragala. Megopolo e ne ya tswa ya gore metsi a pompiwe go tswa kwa Werda mme le jaana seo ga se ise se diragale. Kgosi Bimbo o tlhalositse gape gore banana ba fiwa dihutshane ka lenaneo la nyeletso lehuma mme metsi ke kgwetlho. A re dirukutlhi di amoga banni dihutshane tsa bone, ka jalo se se gakatse lehuma. A re seo ke matshwenyego a matona a ba setseng ba a roletse mapodisi. Moeteledipele wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Tebogo Disono le ene o ngongoregile ka letlhoko la metsi. O gateletse mafoko a ga kgosi a gore bogodu jwa leruo bo ile magoletsa a tlatsa ka gore seemo se simolotse go nna maswe ka ngwaga wa 2017. Mongwe wa banni, Rre Kebiditswe Kgaodi o kopile gore dithata tsa go phatlalatsa metsi di busediwe kwa dikhanseleng ka gore e sale e re WUC e neelwa marapo metsi a bo a simolola go tlhokega kwa motseng oo. Rre John Aymen ene o ngongoregetse dituelo tsa metsi, tse a reng di kwa godimo lentswa ba sa nwe metsi sentle. Fa a ba kgwa dikgaba, Rre Brooks o ba solofeditse gore o tlaa emela ka dinao matshwenyego a bone kwa palamenteng. O ne a tlhalosa gore ga gona sepe se se ka diragalang fa go sena metsi. A re go ne go solofetswe gore kgwedi ya Sedimonthole e ya fifing ngwaga o o fetileng, go tla a bo go na le metsi kwa Draaihoek le Makopong, ka maswabi ga go a diragala ka go ne ga nna le dikgwetlho tsa madi. E re lentswa go ntse jalo, ditogamaano di tsweletse go senka madi gore metsi a goroge kwa metseng eo. A re o ikaelela go tlhabolola bojanala mo dingwageng tse tlhano fa a le mo setilong. A re ditsa-tlholego tse di mo kgaolong ya Kgalagadi di tshwanetse go itsiwe kwa ntle ga lefatshe la Botswana go oka bajanala. “Re na le ditalente tse di farologaneng mme re tshwanetse ra di ribolola”. Mo go tsa temo-thuo, a re maikaelelo ke go tsosolosa dikomiti tsa barui. Rre Brooks o ne a gatelelela gore go tlaa tshwarwa ditshupo tsa leruo mo barui ba tlaa kwatabololang maele mo go ba ba kgonneng. O boletse fa tsela e budule ka jaana Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a laotse gore mananeo a puso otlhe seka-sekwe go a tlhabololwa gore a tle a thuse Batswana go itshetsa. O lebogetse botlhe ba ba tlhophileng, mme a kopa gore mapolotiki otlhe a goge ka jokwe e le nngwe le ntswa e le ba diphathi tse di farologaneng. Rre Brooks a re tshwaragano le popagano di ka tsisa ditlhabololo mo kgaolong eo. Moemedi wa WUC, Rre Thatayaone Warona o tlhaloseditse banni ba Draaihoek gore ba nna fa go senang metsi a mantsi ka fa tlase ga lefatshe. A re ditlhotlhomiso tsa baitseanape ba metsi di supa fa metsi a a bonweng a le ko tlase mme a ka nosa masome a mane fela mo lekgolong. Rre Warona a re maiteko a tsweletse go leka go ba tsisetsa metsi, a tlatsa ka gore go tsisa metsi mo sekgaleng sa masome a mararo a dikhilomethara ke namane e tona ya tiro e e tlhokang didikadike tsa madi. Mme e ne ya re ka 2019, ba kgona go bona madi a ba tlaa a dirisang go ba tsisetsa metsi go tswa ko Werda. society 9 Seemo sa metsi se ile masweng Baagi ba kgaolo ya Madiba 14 kwa motseng wa Mahalapye, ba ikuetse ka seemo sa metsi se se ileng masweng kwa kgaolong ya bone. Ba buile jalo mo phuthegong e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo ya bone ya Mahalapye Bophirima, Rre Bernard Bolele mo bosheng. Ba re lenyora kwa kgaolong ya bone le ba paledisa go tshela ba itekanetse, mme e bile go lebega kgaolo ya bone e le yone fela e tshabelelwang ke lenyora. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Gareutlwane Semente, o ne a kopa gore ba tsenyediwe tanka kwa kgaolong ya bone gore ba se nne le tlhaelo ya metsi, a tlatsa ka go re tanka ya metsi e e neng e beilwe kwa kgotleng, go thusa letlhoko la metsi ke ba koporase ya metsi, e ne ya gosomana ya bo ya phatlogana ka bogare. Rre Semente o ne a re morafe o a nyelela ke lenyora mme a kopa gore go tsewe kgato ka bofefo. O ne gape ba ikuela gore ditsela tse di kwa kgaolong ya bone di tshelwe sekontere ka di ba bolaisa lorole, lo a bealelang gore ke lone lo bakelang baagi ba kgaolo eo malwetse a mahatlha gammogo le bolwetse ba kgotlholo e tona. Rre Bolele o ne a tlhalosa gore kgaolo ya Madiba 14, e mo thotaneng, mme ke ka moo metsi a nnang bonya go goroga kwa go bone ka bontsi. Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosa go re ba koporase ya metsi ba sa ntse ba tshwaragane le namane ya tiro go tsenya diphaepe tse ditona, tse di tlaa kgonang go isa bokete jwa metsi a mantsi jo bo kwa godimo. O ne a solofetsa gore e tlaare mo bokhutshwaneng, baagi ba bo ba tsenyeditswe tanka e nngwe ya metsi, go ba namola mo lenyoreng. Mopalamente o ne a kgalema barui ba ba senyang diphaepe tsa metsi, go nosa leruo la bone, a re go dira jalo go busetsa ditirelo tsa puso kwa morago. Mopalamente o ne lekodisa baagi ka dikgang tsa palamente e e fetileng, a bo a tsaya maele le megopolo, go e isa kwa palamente e e tlang. O ne a tlhalosetsa morafe ka thuso ya babueledi ba puso, le gore palamente a tlaa gasiwa ka botlalo mo BTV, a bo a o tlhagisa ka bodiphatsa mabapi le mogare wa HIV le bolwetse jwa Aids, jo bo tsweletseng ka go fetsa setshaba. Rre Bolele o bile a kopa Batswana go tswelela ba rapelela pula, go ikwadisetsa ditlhopo ka bontsi, le go aba madi a mmele. BOKHUTLO politics 7 Kebuang o itshetsa ka go loga diphate Batswana ba tsweletse ka go tla ka methale ya go inamola lehuma. Mongwe wa bone ke Mme Golelamang Kebuang wa dingwaga tse di masome a matlhano le borataro wa kgotla ya Mmamokhasi kwa Kanye. O boletse mo potsolotsong fa a simolotse kgwebo ya diphate ka 2013 morago ga bona di dirisiwa thata mo manyalong mme a di kgatlhegela. A re o ne a ithuta go loga diphate ka go dirisa dipaente tsa mashi le masang. Mme Kebuang a re fa a simololga go di dira, o ne reka masang kwa kokelwaneng, mme a dirise molora, jik kana handy handy go tlhatswa dipaente le dikgetsi pele a simolola go di loga. A re phate di rekiswa ka ditlhwatlhwa tse di farologaneng jaaka P300, P250 le ya P200 go tswa ka bophara jwa tsone. O ne a tlhalosa fa diphate tseo, di ka alwa mo bolaong, fa pele ga ntlo go ikhutsa, go diriswa kwa masimo go anega dinawa gareng ga tse dingwe. A re kgwebo e mo thusitse go ithekela dipitsa, mateise le dijo tota. A re dikgwetlho tse a kopanang le tsone mo di akaretsa go tlhoka lefelo le a ka bayang diphate teng ka jaana di jewa ke dipeba, go sa bonaleng ga masang le gone go tlhoka go duela sentle ga bareki bangwe. A re o tsweletse ka go ruta bana ba gagwe gore a ba tlogelele boswa a tlatsa ka gore le motswana mongwe le mongwe yo o eletsang go ka ithuta o ka mo ruta. O ne a kopa thotloetso ka jaana a santse a tlhoka ntlwana e a ka bayang teng mo go yone, a bolela fa a eletsa go bona Batswana ba inaakanya le kgwebo e ka dipalo tse di kwa godimo. economy_business_and_finance 3 A bana ba fiwe sebaka sa go ithuta maranyane Modulasetilo wa komiti kgolo ya ditlhabololo kwa Bobonong, Rre Boitumelo Kgosietsile o kopile batsadi go letlelela bana go ithuta dikhompurata tse di kwa mmolong wa Bobonong. Rre Kgosietsile o tlhaloseditse O tlhalositse fa ba ne ba itshwaraganya le baithuti ba sekole sa tiro ya diatla sa Bobonong Brigade ba ba neng ba aga lefelo le dikhompurata di nnang teng kwa mmolong wa Bobonong. A re bana botlhe ba Bobirwa ba ka etela lefelo leo go ithuta go di dirisa. Rre Kgosietsile o boletse fa lekgotla la Stepping Stones International go tswa kwa Mochudi le itebagantse le go sireletsa le go tlhabolola matshelo a bana mo lefatsheng. O tlhalositse fa lekgotla le, le abetse kgaolo ya Bobirwa dikhomputara tse ka maikaelelo a go ruta bana ba ba nnang mo dikgaolong go dirisa maranyane. A re lekgotla le, le tlhalositse fa le setse le abetse dikgaolo di fera bongwe dikhomputara mme le tlaa tswelela ka go abela dikgaolo tse dingwe nako e tsweletse gore bana ba ba nnang kwa dikgaolong ba seka ba salela kwa morago mo go ithuteng go di dirisa. Rre Kgosietsile o boletse fa ba setse ba thapile moithaopi wa Tirelo Setshaba yo o thusang bana go ithuta go di dirisa gammogo le go ela tlhoko fa ba di dirisa sentle. A re ba tlaa ikgolaganya le ofisi ya banana le khansele potlana ya Bobirwa go ba batlela motho wa se nnela ruri yo o tlaa bong a theogelela kwa lefelong leo. O boletse fa bontsi jwa bana ba tshologela kwa lefelong le mo tshokologong mme go tlhokega motho yo o ka theogelang ka nako tsotlhe gore bana ba kgone go ithuta ka tshosologo. Rre Kgosietsile o kopile batsadi go letlelela bana go etela lefelo le, go ithuta go dirisa dikhomputara. A re batsadi ba ele tlhoko mesepele ya bana go tlhomamisa fa ba tswa mo lwapeng go etela lefelo go na lego tsamaya baya go dira ditiro tse di sa eletsegeng. education 4 Mosele wa pula o epiwa go sale gale Batsadi ba kopilwe go jwala dikakanyo tsa boleng mo baneng ba bone. Se se builwe ke mongwe wa batsadi Rre Moshe Seloko fa a rotloetsa batsadi ba bana ba ba tsenang kwa sekolong se segolwane sa Molopo kwa kgaolong ya Borwa. Rre Seloko o ne gape a ba ruta ditsetlana tse di botlhokwa tse ba ka di jwalang mo baneng ba bone go tokafatsa maduo a ditlhatlhobo. Rre Seloko o gakolotse batsadi gore go botlhokwa gore ba nne fa fatshe le bana ba bone go bua ka bokamoso jwa bone. A re go botlhokwa go bontsha ngwana tsela a sale mmotlana ka se se tla mo ruta gore a nne le dikakanyo tse di tla fetogang mekgwa e e siameng. O gakolotse batsadi go kgothatsa bana ba bone gore ba nne le lerato mo barutabaneng ba bone ka se se ka ba thusa gore banne le isago e e siameng. Rre Seloko o tlhalositse gore fa batsadi ba sa tseye kgato ya go bontsha ngwana monate wa go goroga kwa a yang teng ga gona se se ka diragalang. Mongwe wa baithaopi ba ba dirileng gore thutuntsho e ya batsadi e diragale, gape a kile a tsena mo sekolong se Rre Booysen Speek o tlhalositse fa ene le baithuti ba ba nnileng bantlha go fetsa dithuto tsa bone ka ngwaga wa 1987 kwa sekoleng seo, ba ne ba bona go le maleba go thusa go tokafatsa seemo sa maduo a a sa nametseng a sekolo seo. O tlhalositse fa setlhopha se ba ipitsang setlhopha sa Molopo sse ne sa ya kwa sekolong seo go botsa ka letlhoko la sekolo. O tlhalositse fa mogopolo wa go direla batsadi ithutuntsho e le yone leano lantlha go leka go thusa sekolo sa bone se a tlhalositseng fa se sa dire sentle. O gakolotse batsadi gore go botlhokwa go tshwaraganela tiro ya sekolo le barutabana. Rre Speek o tlhalositse fa se e le sebaka sa ntlha go thusa sekolo mme a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go tswelela ba thusa gore maduo a sekolo a nne botoka. Mogokgo wa sekolo se Mme Connie Kabasia o tlhalositse fa maduo a sekolo a sa jese diwelang. O buile gore ga gona tirisanyo mmogo ee lebaneng le batsadi. O tlhalositse fa a santse a ngomolwa pelo ke batsadi ba ba sa tseyeng botsogo jwa bana tsia. Mme Kabasia a re go na le batsadi ba ba iletsang bana go tsaya ditaelo tsa bongaka mme se se thusa mo go direng gore maduo a wele kwa tlase ka bana ba felela ba nna bokowa. O kopile batsadi go ba thusa mo go rotloetseng ngwana go itse botlhokwa jwa kalafi le bongaka. O tlhalositse fa maitlamo a go pasa ga ngwana e se a ga mogokgo le barutabana fela. Bontsi jwa batsadi bo ne jwa lebogela dithuto tse mme ba dumalana gore go thusa go godisa le go bona bana gore ba ithuta sentle, ba tlaa kopa gore thotloetso e tshwana le ya ga Rre Seloko e dirwe thata kwa dikolong tse di botlana go thusa gore bana ba betlege sentle. Ba ikiteile ka thupana gape gore ba tla bua le bana kwa lwapeng,mme ba kopa le gore borre ba tseye kgato ya go tla bokopanong le go tsenya letsogo mo go o ruteng ngwana. education 4 Banni ba rotloediwa go reka diabe Banni ba Kubung le Kumakwane ba rotloeditswe go reka diabe tsa khamphani ya megala ya BTCL. Mafoko a, a boletswe ke tona wa dipalamo le ditlhaeletsanyo, Rre Tshenolo Mabeo, fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa kgaolong ya gagwe ya botlhophi ya Thamaga-Kumakwane. O kopile Batswana go tsaya bukana ya e e buang ka diabe tsa BTCL kwa polokelong ya Barclays le mo mabentleleng a Choppies. Mogolwane go tswa kwa a BTCL, Rre Papiso Makwati, o ne a tlhalosa fa ba simolotse go rekisa diabe kgwedi eno e le lesome le bongwe, ka jalo go tsenya ikopelo ya go reka diabe go tlaa tswelela go fitlhela kgwedi ya Mopitlo e tlhola gane. Rre Makwati o tlhalositse fa seabe se le sengwe e le P1 mme ba simolola ka diabe di le sekete go ya kwa godimo, mme madi a a fa godimo a balwa ka makgolo. O tlhalositse fa go tlhokafala gore moikopedi a tle ka Omang o o rurifaditsweng, a bo a tla le madi le gone go tlatsa fomo mme ba e ise kwa polokelong ya Barclays. Fa ba tswa la bone, banni ba Kumakwane ba ne ba tlhalosa fa ba ntse ba na le mathata a matona a metsi dikgwedi tse lesome tse di fetileng, mme ba tlhalositse fa seemo se le botoka mme se ise se fetoge motse otlhe. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Toitoi, o tlhalositse fa sekole se sebotlana sa Kumakwane se sa bone metsi gotlhelele, gape ba kopa go agelwa sekole se sengwe se sebotlana ka jaana seo se na le bana ba feta makgolo a robabongwe. O supile gape fa ba kopa go okelediwa matlwana a borutelo kwa sekoleng se segolwane sa Kumakwane le one a boroko jwa barutabana. O tlhalositse gape fa sekole se sebotlana sa Kumakwane se tlaa bo se ipelela dingwaga tse di masome a matlhano ka kgwedi ya Lwetse fela jaaka lefatshe leno. E ne erile a amogela baeng Kgosi Chomi Seboni, a tlhalosa fa ba sale ba solofediwa kokelo mme nako kgolo ke eno, a bo a supa matshwenyego a bana ba ba ikgapelang botshelo ka ntlha ya marato. Erile a ba kgwa kgaba, tona Mabeo a tlhalosa fa a buile le tona wa tsa metsi Rre Kitso Mokaila, mme a solofeditse gore ba tlaa leka go fetola ka fa go gogiwang metsi ka teng kwa tankeng ya Gabane, gore e seka ya re fa go na le mathata a bo a ama metse e mengwe. economy_business_and_finance 3 ‘Badirela puso ba adima tshwene marapo’ Banni bangwe ba Maun ba supile ka monwana badirelapuso bangwe ba re ke bone ba phirimisang ditoro tsa go fitlhelela tebelopele ya lefatshe ka boitseme jwa bone. Banni ba re bontsi jwa bodiredi jwa puso bo adimile tshwene marapo ka ba sa fe morafe ditlamelo jaaka go solofetswe. Ba ikuetse jalo fa lekoko la tebelobele ya 2036 ba ne ba etetse banni go tsaya megopolo ya gore go ya pele ba eletsa lefatshe leno le ka fitlhelelang. Ba ne ba tlhalosa fa kgaolo ya bone e saletse morago mo ditlhabololong ka ntlha ya bodiredi jo bo gogang dinao mo tirong mme ba kopa gore go ya pele puso e beye sekale sa bodiredi jwa tlhotlhwa. Banni ba re mafatshe a mangwe a gatetse pele ka jaana bodiredi jo bo sa ntsheng maduo bo kobiwa mo tirong fa mono puso e thubile kobo segole fela. Batsadi bangwe ba ne ba lela ka ofisi ya banana ba re bana ba botabota koo go ikopela mananeo mme ga go nko e e tswang lemina. Ba supile fa banana bangwe ba tsere boitlhobogo e bile ba lwela ditiro tsa Ipelegeng le bagolo. Mongwe wa banni yo e bileng e le monana, Mme Olebogeng Jane o ne a bua a sa kgale mathe ka mananeo a puso a a diretsweng go ba namola mo lehumeng a re go thata go ka a akola ka ntlha ya ditsamaiso. O kopile puso go tlhofofatsa ditsamaiso gore mananeo ao a ntshe maduo a a solofetseng a tlatsa ka gore banana ka bontsi ba gobeya mo mebileng ka ntlha ya letlhoko la ditiro. Mme Jane o ne a supa gape fa kgaolo ya Ngamiland e le ya bojanala ka jalo e tshabelelwa ke ditiragalo tsa borukutlhi ka ntlha ya diphologolo mme a kopa gore go ya pele, puso e leke ka bojotlhe go okeletsa ba sepodisi ditsompelo ga mmogo le bodiredi. E ne ya re a ntsha megopolo ya gagwe, Rre Boitshoko Balekile a ngonorega ka go runya ga dikereke a supa fa kgwedi le kgwedi go simololwa kereke e ntsha. O kopile puso go tsenya kgang eo leitlho a re palo ya dikereke e tshwanetse go fokodiwa. Mme Endani Chombo ene o ne a supa fa puso e sa fitlhelela tebelopele ya 2016 ka jaana ditlhopha dingwe jaaka banana, ba-na-le-bogole bogolo jang ba ba kwa dikgaolong ba ne ba sa akarediwa. O kopile gore jaaka go baakanyediwa tebelopele ya 2036 e akaretse batho botlhe le ba ba kgakala le ditlamelo tota. Mme Peggy Ramaphane ene o ne a kopa gore go atolosiwe makgotla tshekelo a supa fa mo kgaolong ya Ngamiland ba na le tse pedi fela mme kgaolo e le bophara. A re seemo seo se felela se pateletsa magosi go dira tiro e e sa ba lebaganang ba leka go fokotsa mosuke wa dikgang. A re go botlhokwa gore makgotla a ditsheko a atumediwe kwa bathong gore dikgang di rarabololwe ka nako. Mme Ramaphane o ne a supa gape fa kagolo ya Bokone Bophirima e le ya bojanala mme bo sa sologele benggae molemo. A re bontsi jwa benggae ba thapilwe mo dikampeng kwa ba nnang dikgwedi di le tharo ba sa kopane le ba malwapa a bone. O tsweletse a re seo se baka mathata kwa malwapeng ka mangwe a thubega fa bana le bone ba gola ba sena bokaedi jwa batsadi ka ba sa nne le bone. A re seo se ama le yone thuto ya bana. Mme Ramaphane o kopile gore mo tebelopeleng ya 2036, go netefadiwe gore benggae ba nna le seabe mo bojanaleng e seng go bereka ditiro tse di kwa tlase fela. E ne ya re a ba kgwa kgaba, moeteledipele wa lekoko la tebelopele ya 2036, Lt. Gen. Tebogo Masire a tlhalosa fa megopolo ya bone e amogetswe e bile ba tlaa dira pego e e tlaa neelwang bogogi jwa tebelopele. O ne a supa fa megopolo ya bone e tshwana le ya banni ba dikgaolo tse dingwe bogolo jang ya go tokafatsa botsogo, thuto le ditirelo. Lekoko leo le tlaa tswelela le tsaya megopolo ya banni mo metseng e tshwana Shorobe, Makalamabedi, Sehithwa, Tsau mme le tlaa fetela gape kwa metseng mengwe e e mo kgaolong ya Okavango politics 7 Mosimane o bakile kotsi ya koloi Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme wa dingwaga tse di masome mabedi a tlhokafetseng morago ga go amega mo kotsing ya koloi e e diragetseng mo tseleng ya Nswazwi sekgelenyana go tswa mo tseleng ya Tutume/Francistown. Mothusa mogolwane wa mapodisi a Tutume, Assistant Superintendent Sesetse Mashonja o boletse mo potsolotsong gore kotsi eo e diragetse ka Tshipi maitseboa fa mokgweetsi wa yone a ne a latlhegelwa ke taolo fa tsela e sekamang teng. Assistant Superintendent Mashonja o ne a tlhalosa fa koloi eo e ne e na le bapagami ba le batlhano go balelwa le mokgweetsi mme ba bangwe ba ne ba bona dikgobalo tse di potlana tse ba di alafetsweng kwa kokelong ba bo ba gololwa. O tsweletse a bolela fa mokgweetsi wa koloi eo ele mosimane wa dingwaga tse di lesome le borataro a sena setlankana ka ebile le dingwaga tsa gagwe di sa moletle go ka nna le sone. O ile a tlhalosa fa mosimane yoo a sa tshegediwa ka go lebilwe dingwaga mme a neetswe batsadi ba gagwe le baboipelego go thusa ka go mo sidila maikutlo le go mmaya leitlho. Setopo sa mme yoo tlhokafetseng se kwa setsidifatse sa kagiso go tlhatlhobiwa ke dingaka. Mo go tse dingwe, Assistant Superintendent Mashonja o boletse fa ba tshwerwe rre Charlot Ndlovu yo o ntseng a batliwa tebang le go tlola taolo ya lekgotla la ditsheko la go sa ipegeng kwa mapodisi jaaka a ne alaetswe(bail)ka molato wa polao ya motho mme e re a santse a sa iponatse jalo ga bolelwa fa e le mmelaelwa mo tiragalong nngwe ya polao ya motho e e diragetseng ka Mopitlo monongwaga. Assistant supt Mashonja o ne a tlhalosa fa Ndlovu yo o tlholegang kwa Plumtree kwa Zimbabgwe ba ne ba le mo patlong ya gagwe mabapi le melato ya go bolaya, a leboga setshaba go amogela mokgosi wa bone mme ba kgona go tshwara selalome seo ka thuso ya bone. O ne a tlhalosa fa rre yoo a isetswe fa kgolegelong go ya go letlela tsheko teng. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Banni ba xere ba tshologetse letsatsi la tsa boitekanelo Modiri mo go tsa boitekanelo mo komponeng ya Orapa/Letlhakane Mines, Rre Andrew Inambao a re go itshidila mmele ke konokono mo matshelong a batho ka gore go ka thibela go tsenwa ke malwetse a a farologanyeng. Rre Inambao o buile jaana kwa letsatsing la tsa boitekanelo le le neng le rulagantswe ke badiri ba moepo wa Debswana go tswa mo lephateng la tsa itshireletso kwa Xere bosheng. Banni ba Xere ba ne ba tshologela letsatsi le ka dipalo tse di kwa godimo go tla go itshidila mmele le go anywa go le gontsi mo baitseanapeng ba ba farologanyeng ka tsa botsogo. Rre Inambao o tlhalositse fa botlhokwa jwa go tshwara letsatsi le le kgethegileng le, e le go leka go lwantsha malwetse ka go farologana a akaretsa a a sa tshelanweng a thswana le bolwetse jwa sukiri, madi a matona, kankere le a mangwe. A re ba bone go tshwanela gore ba tle go tlhola le banni ba Xere go tla go amogana le bone ka tsa botsogo le go ba rotloetsa go dirisa ditlamelo tse di leng teng go itlhathobela malwetse a a farologanyeng gore ba bone thuso nako e le teng fa go tlhokega. Rre Inambao o ne a rotloetsa banni gore ba ele tlhoko dijo tse ba di jang. A re ba je mo go tshwanetseng mme e bile ba itekanyetse. O ne a tlhalosa fa ba bongaka ba dumela gore dijo tse di lekaneng motho e le tse di felelang mo letsogong. Ka jalo a re go ja mo go feteletseng go ka baka mebele e metona e e ka bakang one malwetse a tshwana le jwa kankere le sukiri. O ne gape a kopa banni gore ba je dijo tsa Setswana ka di aga mebele, a tlhalosa fa go tswaakanya dijo le gone go le botlhokwa mo mebeleng. Rre Inambao a re banni ba tshwanetse ba tlhomamisa gore ba nwa metsi, a supa fa go le gantsi batho ba anwa metsi fela fa ba tshwerwe ke lenyora mme a re ga go a siama ka go supa fa ba a bo ba fetisitse nako e ntsi ba sa nwe metsi. O ne a supa gape fa mmele o diretswe go itapolosa go itsa matshwenyego a tsa megopolo, mme a supa fa motho a ka itapolosa mo dioureng tse thataro go ya go tse di robang babobedi. O rotloeditse banni gore ba nne ba tswelele ba itshildile mebele le mo boseong jwa ba botsogo go netefatsha gore ba nna ba itekanetse, a afa sekai ka mogwanto o ba neng ba o tseneletse a re ke nngwe ya ditsela tsa itshidilo. Mmaboitekanelo wa Xere, Mme Baitshephi Gosenyamang ene a re le fa a gakolola batho ka se ba se itseng, go botlhokwa go tlhokomela mmele go itsa malwetse a letlalo. O tlhalositse gore mmele o tshwanetse wa tlhapiwa mo go tshwanetseng ka go ama dikarolo tsotlhe ka metsi a a nang le molora go tswa kwa tlhogong go ya kwa dinaong. A re go tlhapa legano le gone ba seka ba go ikgatholosa ka go na le ditlamorago tsa go tlhoka go le tlhokomela ebong malwetse a legano, a tlhalosa fa bana ba tshwanetse ba rutwa ba le bannye go tlhokomela mebele ya bone. Modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse, Rre Eric Sekausu ene o ne a leboga babereki ba moepo wa Debswana, a re motse wa bone o kgakala le ditlamelo mme fa ba ntse ba ba etela jaana, ba a nametsega ka go supa ba sa ba lebala. O tlhalositse fa ba amule go le gontsi mme e bile ba tlaa itshidila mebele ka metshameko e e farologanyeng. A re bana le bone ba tlaa tsaya malebela ba gola ba itse fa go itshidila mmele go le botlhokwa. BOKHUTLO health 6 Setlhopha se tsosolosa mmino wa Sebirwa Lefatshe la Botswana le na le mmino wa setso mme o farologana ka merafe. Mmino wa Tsutsube o tlholega kwa kgaolong ya Kgalagadi,Phathisi yone e tlholega kwa Kweneng le Setapa kwa ga Ngwaketse,Hosana kwa Bokalaka,Diware kwa kgaolong ya Bokone Bophirima,Sebirwa kwa Bobirwa le Polka e e tlholegang kwa Kgalagadi e e simolotseng go tuma e bile go supa fa e tlaa nna mmamoratwa mo lefatsheng leno. Mebino e tshwana le Sebirwa, Diware, Hosana le Polka ga e a anama thata le lefatshe leno jaaka mmino wa Setapa,Tsutsube le Phathisi e yone e setseng e binwa ke merafe yotlhe mo Botswana. Re tlare ke dipitse ke setlhopha sa mmino wa Sebirwa se se tlholegang mo Bobonong. Setlhopha se, se itlamile go netefatsa seane se se reng Re tlare ke dipitse re bona ka mebala ka go batla go bona Babirwa ba lemogwa fa e le Babirwa ka ngwao ya bone. Se bopilwe ka ngwaga wa 2002 e bile se na le maloko a le lesome le botlhano. Re tla re ke dipitse e setse e kile ya lalediwa go diragatsa kwa lefatsheng la China, Swaziland, Zimbabwe le South Africa. Re tla re ke Dipitse e eteletswe pele ke Rre Godfrey Maake, yo gape e leng modulasetilo wa lekgotla la Ngwao Loshalaba le le okametseng ditlhopha tsa mmino wa Setso mo Botswana. Setlhopha se, sa re se ikaelela go anamisa mmino wa Sebirwa le lefatshe leno ka bophara gore o itsege jaaka mmino wa Phathisi, Tsutsube le Setapa e e kgonneng go anamela kwa merafeng yotlhe ya lefatshe leno. Rre Godfrey Maake o tlhalositse fa mmino wa Sebirwa o gomagomediwa ke go nyelela fa o ka se salwe morago go bona gore o ka tsosolosiwa jang. Rre Maake a re setlhopha sa gagwe se kile sa bo se bina mmino wa Tsutsube,Phathisi le Setapa mme ba ile ba tsaya tshwetso ya go tlogela mebino e, mme ba itebaganya le mmino wa morafe wa bone wa Sebirwa ka maikaelelo a go thibela mmino o go nyelela. A re, e sale dikgaisano tsa malatsi a ga Tautona tse di rotloetsang ngwao le bodiragatsi tse di tshwarwang ngwaga le ngwaga di simologa, setlhopha sa gagwe se tseneletse dikgaisano tse morago ga gore mmino wa Sebirwa o akarediwe mo dikgaisanong tse. O tlhomamisitse fa setlhopha se, se phadisana le tse dingwe mo mminong o e bile se aga se gapa maemo a ntlha ngwaga le ngwaga. Rre Maake o boletse fa mmino wa Sebirwa o tshwanetse go anamisediwa kwa dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe leno gore merafe e mengwe e kgone go o ithuta mme le bone ba simolole go o bina fela jaaka mebino e mengwe e e tlholegang kwa Ngwaketse, Kweneng le Kgalagadi e kgonneng go anama le lefatshe leno mo e setseng e binwa ke merafe yotlhe ya lefatshe leno ka bophara. A re Babirwa ka kakaretso ba tshwanetse go ema mmino wa bone nokeng gore o seka wa nyelela. O kgothaditse banana ba kgaolwana ya Bobirwa go inaakanya le ditlhopha tsa mmino wa Sebirwa gore ba kgone go ithuta mmino o. A re setlhopha sa gagwe se dira bojotlhe go bona gore mmino o, o anamela kwa dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe leno ka go ithaopela go ruta mongwe le mongwe yo o eletsang go ithuta mmino o ntleng le dituelo. Rre Maake o kgothaditse ditlhopha tse dingwe tsa mmino wa Sebirwa ebong, Sebada, Sekgobokgobo, Retekgeng, Mpha Mpha tsa kgaolo e go tswelela ba tshegeditse mmino o, go dira gore o tswelele o le teng mme ba o fetisetse kwa dikokomaneng tsa Babirwa tse di tlaa salang di tshegeditse mmino o mo metseng ya kgaolo e. Mongwe wa bagolo ba kgaolo ya Bobirwa, Mme Lorato Olebogeng o tlhalositse gore o eletsa fa mmino wa Sebirwa o ka somarelwa le go anamisediwa kwa dikgaolong tse dingwe gore o kgone go anama fela jaaka mebino e mengwe ya setso e e tumileng ya lefatshe leno. Mme Olebogeng a re, Babirwa ba tshwanetse go itoma molomo wa tlase go somarela mmino o, ka merafe e mengwe e tsweletse sentle ka go somarela mmino wa setso sa bone, ka e bile mmino le kapari di tlhalosa letso la motho botoka. arts_culture_entertainment_and_media 0 Bagwebi ba rotloediwa go ipapatsa Bagwebi ba kgaolo ya Bobonong ba rotloeditswe go tla ka methale e ba ka ipapatsang ka yone gore dikgwebo tsa bone di itsege. Fa a bua mo dithuto-puisanong tsa letsatsi, mogolwane mo ofising ya banana, metshameko le ngwao kwa Bobonong, Rre Matlhomola Kebifetswe o kopile bagwebi go ntshetsa dikgwebo tsa bone mo pontsheng gore baji-bareki ba itse kwa di ka bonwang teng. Rre Kebifitswe o supile fa maikaelelo magolo a bokopano jo e le go buisana le bagwebi ka go tla ka methale e ba ka e dirisang go bapatsa dikgwebo tsa bone. O kopile bagwebi go dirisa methale e tshwana go dira dikarata tsa ipapatso (business cards). Rre Kebifetswe o kopile bagwebi go tsibogela dipitso tsa lephata segolong jang fa ba kopa go tla diphuthegong. O supile fa banana ba bagwebi, segolo jang e le bone gantsi ba nnang maoto a tshupa fa ba kopiwa go tsena diphuthego. A re banana ba bagwebi ba tsaya nako e ntsi ba dira ditiro di sele eseng tse di itebagantseng le dikgwebo tsa bone. O supile fa e rile ngwaga o o fetileng ba thapile komiti e e itebagantseng le go bona gore dikgwebo di tsamaya sentle. Fa a latlhela la gagwe modulasetilo wa komiti e e tlhokometseng bagwebi mo Bobonong Mme Bogadi Sanoto o kopile bagwebi gore ba seka ba itlhoboga segolo jang fa dikgwebo di sa dire sentle. Mme Sanoto o kopile maphata a a thusang bagwebi ka madi gore ba dire dithutuntsho pele fa ba neela bagwebi madi go simolola dikgwebo. O supile fa maphata a a neelang dithuso tsa madi a tshwanetse go thapa batlhokomedi go bona gore dikgwebo di tsamaya sentle. economy_business_and_finance 3 Makgotla a Setswana a aba melora - E ne ya re ka Mopitlo 22, ba ofisi ya makgotla a Setswana kwa Letlhakeng ba abela ba lelwapa loora Selelo kwa Kaudwane dilwana tsa itshetso tsa mo lwapeng di akaretsa melora e e tlhapang le e e tlhatswang, ditlolo le tse dingwe e le tsela nngwe ya go supa fa ba kgathalela bangwe ka bone ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. E rile a amogela baeng kwa modirong oo, Kgosi Tsholo Segwaba wa Kaudwane a tlhalosetsa ba lelwapa leo fa ba le lesego gareng ga boidiidi ka jaana ba lephata leo ba kgonne go nopola bone magareng ga bontsi jo bo tlhokanang le thuso eo. O ne a boa a leboga lephata leo go gopola motse wa gagwe, mme a re seo se tshwanetse ka jaana lephata leo le aname mme go sena motse o le seong kwa go one, mme a kopa baabelwa go dirisa dilwana tseo ka kelelelo. Kgosi Segwaba o ne a kopa jalo ka jaana a re go setse go tlwaelesegile mo motseng oo gore batho ba ba thusiwang ka dithuso tse di farologaneng ba di dirisa botlhaswa mme di felele di sa ba solegela molemo jaaka baabi ba tsone ba ne ba solofetse. A re botlhaswa joo bo akaretsa go di rekisa, mme e bile e le ka madi fela a a kwa tlase mme a re go dira jalo go kgatlhanong le mowa wa setho o baabi ba a bong ba aba ka one. Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Kaudwane, Mme Esther Maotwanyane le ene o ne a supa boitumelo go bo ba lephata la makgotla a Setswana le abetse lelwapa leo. O ne a supa fa bana ba lelwapa leo ba sa tsene sekole sentle ka ntlha ya letlhoko, mme a re tsholofelo ke gore jaanong seemo seo se tlaa tokafala. Mme Maotwanyane o ne gape a kopa banni ba Kaudwane gore kabo eo e nne kgwetlho mo go bone gore le bone ba ititeye ka thupana go thusa bangwe-ka-bone ba ba dikobo dikhutshwane. Modulasetilo wa komiti ya itshidilo ya lephata leo, Mme Naomi Banyatsi o ne a tlhalosa fa ba ne ba remelela thata mo go abeng dilwana tseo ka jaana ba ne ba lebile bogolo jang bana ba sekole ba ba mo lelwapeng leo gore ba kgone go tlhapa sentle ba ya sekoleng. A re seabe seo sa bone e ne e le tsela nngwe ya go imolola lephata la boipelego ka jaana e le lone le rweleng mokgweleo wa go thusa Batswana ba ba dikobo dikhutshwane. Mme Banyatsi o ne a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le lephata e ne e le go thusa bontsi mo motseng oo, mme a re se setona ke gore ba ne ba ikanapa dipata e le babereki. Lelwapa leo le na le bana ba ka feta lesome mme bontsi jwa bone bo dule mo sekoleng. BOKHUTLO society 9 Kgosi Kgagodi o tsosolosa ngwao Kgosi Moriti Kgagodi wa Kgagodi o dumela gore tsosoloso ya ngwao e ka dira go le gontsi go tsisa ditlhabololo. Kgosi o buile mo potsosolotsong gore o tlhabile mokgosi go bitsa mophato wa gagwe wa Maloma-kgomo le wa bomogolowe wa Marema-ka-chaka go tla go aga lesaka la Kgotla sesha. Mophato wa Maloma–Kgomo ke wa makau a a tshotsweng magareng ga 1976 go ya kwa go 1980 fa Marema-ka-Chaka e le wa ba 1970 go ya kwa go 1975. Pitso e ya kago ya lesaka e tsile morago ga gore madi a a neng a abetswe ditlhabololo a tlhaele go akaretsa tsotlhe tse di tlhokang go tlhabololwa mo motseng, ka jalo a bona go le maleba go kopa mo morafeng wa gagwe go tsenya letsogo mo ditlhabololong tsa motse ka puso e leka ka bojotlhe mme e sa kgone go ka dira tsotlhe ka nako e le nngwe. Kgosi o tlhalositse fa lesaka leo le tlaa agwa ka mapako a a tswang mo dikgotlaneng tsa motse di le lesome le motso. “Tlhabololo ya lesaka la kgotla e maleba ka gore tota ga le a tshwanela gore le bo le le mo seemong se le mo go sone mo nakong ya gompieno, le tshwanetswe ke go tlhabololwa ka tlhoafalo ka le robetse magosi a pele e leng Kgosi Malokwane Phalalo le ngwana wa gagwe e bong Kgosi Tantsho Malokwane. Go a re tlama re le morafe go baakanya lesaka go supa tlotlo mo go bone,” Kgosi Kgagodi a tlhalosa. Go tswa ka moono wa go bitsa mephato, kgosi o kaile fa a ne a ile mophatong wa ga kgosi kgolo wa Bangwato kwa Serowe ka 2011 le ba bangwe ba bagolwane mo go ene mo motseng. A re ba ne ba fiwa leina la Maloma-kgomo fa ba bagolwane ba ne ba fiwa la Marema-ka-Chaka. Kgosi o tlhalositse gore maina a mephato e a kaya go bereka ka natla go direla merafe le go ba sireletsa. Mo pitsong ya mephato ya balekane ba gagwe le ba bagolwane, kgosi a re ke yone nako ya gore a ba rolele leina la mophato wa bone ka go setse go le lebaka a tswa mophatong a bo a ntsha tiro e ba tshwanetseng go e direla morafe wa Kgagodi. O boletse fa e se botlhe ba ba teng ka jaana bangwe ba faletse le lefatshe ba le mo patlong ya mafulo a matalana. Kgosi o kaile fa tiro eo ya go aga lesaka, e tlaa tshwaraganelwa ke ba ba teng mo motseng le ba batlaa utlwang mokgosi wa gagwe. “Ke ne ke eletsa gore ba ba sa kgoneng go ka bonala ka nako ya tiro mabapi le go tshwarega ka tsa mebereko ba ka thusa ka se ba ka se kgonang gore go nne le dijo tsa baba tlaa bong ba le mo tirong ka gore tsie e fofa ka moswang,” kgosi a itela mo morafeng. Kgosi o netefaditse fa a ntshitse taolo ya gore molaetsa o anamisiwe ka maranyane a “Ke dumela gore bana ba motse ba tlaa tshologela tiro e, ba ba sa kgoneng go iponatsa ke dumela gore batlaa thusa ka fa ba ka thusang ka teng go isa motse wa bone kwa pele,” ga tlatsa kgosi. Kgosi o supile fa dikgosi tsa dikgotlana tsa motse di mo eme nokeng ka tiro e a e dirang ya kago ya lesaka la kgotla, go itsese mephato maina a bone, go tsosolosa ngwao le go rotloetsa tirisanyo mmogo le tshwaragano. Kgosi Kgagodi o kopa botlhe banni ba motse wa gagwe, go mo ema nokeng le go mo tshegetsa mo ditirong tsa ditlhabololo tsa motse. O kopile gape gore batsadi ba rotloetse bana ba bone go emela dipitso tsa mephato ka dinao. environment 5 Puso e tlaa rarabolola tlhaelo ya metsi Mopalamente wa kgaolo ya Nkange e bile e le tona ya pereko le selegae, Rre Edwin Batshu a re puso e tsere tshwetso ya go ketlola botlhano mo lekgolong mo mading a a neng a abelwa maphata ka nako ya kgaoganyo ya madi a setshaba go a neela lephata la metsi go a dirisa go araba selelo sa letlhoko le tlhaelo ya metsi mo lefatsheng leno. Rre Batshu o boletse seo mo diphuthegong tsa kgotla kwa Dagwi, Changate le Maitengwe kgwedi ya Phatwe e le lesome le borataro. A re Batswana ba ntse ba lela ka letlhoko la metsi, diphaephe tse di dutlang, a tlhalosa fa madi ao a tlaa thusa mo ditirong tsa phatlalatso ya metsi le go baakanya metswedi ya metsi. O tsweletse a bolela fa didiba tsa Maitengwe tse di nosang kgaolo eo tse di lesome le bobedi go bereka tse di lesome fela, tseo tse di berekang go feta selekanyo mo di felelang di goga metsi a a letswai a a felelang a thiba diphaephe ka di nna di sa katololwe mme tse pedi di wetse kana di katiegetse. A re ka madi ao go solofetswe go tokafatsa seo le go gokela diphaephe tse di gogang metsi go tswa kwa Ntimbale. Fa a ba lekodisa ka tsa palamente e e sa tswang go wela beke e e fetileng, o ne a bolela fa palamente e amogetse melao kakanyetso e le lesome le boraro mo go e e lesome le bosupa e e neng e beilwe palamente pele. O tlhalositse fa molao wa maloma tsebe, wa go fa ba lephata la khiro dithata tsa go sekisa le go atlhola ditsheko le wa paakanyo ya molao wa ditlhopho e le mengwe ya melao e e neng ya fetisiwa mme e emetse Tautona go e baya monwana gore e tsene mo tirisong. Rre Batshu o ne a bolela fa a tsamaya a tlhalosetsa batho ba kgaolo ya gagwe ka melao eo gore ba kgone go e tlhaloganya gore re ba ba tlaa tlolang molao e re ba neelwa kotlhao ba bo ba na le kitso ka melao. Gape o ile a supa fa palamente e sa kgona go buisana ka lenaneo la ditlhabololo la lesome le bongwe mme le tlaa akarediwa mo palamenteng e e tlang ya Ngwanaatsele.O boletse fa e tlaa re ka letsatsi la boipuso, Tautona a sena go amogela molelo wa kgolagano o tlaa rebola bukana ya tebelopele ya setshaba ya 2036 gore Batswana ba tle ba bone gore e ba tsholetse eng. Kwa Changate le Dagwi ba ne ba lela ka ditsela tse di le kgarapana tse ba boletseng fa di ba senyetsa dikoloi tsa bone. Ba tlhalosa fa gape fa ditsela tseo fa di gopiwa di sa tshelwe metsi le mmu, seo se pitikolole matlapa a a felelang a dira gore ditsela tseo di nne borai mo dikoloing tsa bone, a bolela fa ba tswa kgakala ba lela ka ditsela tseo. Ba ne gape ba lela ka dikoloi tse di rwalang balwetse mo metseng eo ka bobedi, ba re ba a sokola ba na le lebaka le le telele ba sena dikoloi tseo tsa balwetse. Kwa Maitengwe banni ba ne ba lela ka lephata la kabo ditsha, ba supa fa le fetogetse mogopolo wa gore go tlaa thijwa diphatlha tse di fa gare ga malwapa, ba bolela fa baikopedi ba bewa kwa lefelong le le senang ditlamelo. politics 7 Metsi a betile bana kwa Shwakwe Mapodisi a Mahalapye a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone bana ba basimane ba le bararo ba tlhokafetseng ba sena go betwa ke metsi kwa letamong la morafe kwa Shakwe. Mookamela mapodisi a District NO 16, Senior Superintendent Modisaotsile Bonang a re ba le babedi ba dingwaga di supa fa yo mongwe a le dingwaga tse some mme ke baithuti ba lekwalo la ntlha kwa sekoleng se sebotlana sa Shakwe. Rre Bonang o tlhaloseditse A re letsholo la go batla bana le ne la simolola mo tshokologong ya Labobedi, mme ka thuso ya sepodisi ba felela ba ntshiwa mo letamong tshokologong ya letsatsi le le latelang. Rre Bonang a re ba ne ba rurifadiwa fa ba tlhokafetse ke ba botsogo kwa kokelwaneng ya Sefhare. O tlhalositse fa bana bao ba tswa mo malwapeng a a farologaneng. A re ofisi ya sepodisi kwa Mahalapye e amogetse pego go tswa kwa mapodising a Machaneng mo mosong wa Laboraro gore bana ba le bararo ba Shakwe ba tsene ka ga re itse. O supile fa letsholo la go ba batla le ne la felela le tsamaetse ntlheng ya letamo la morafe la Shakwe kwa go neng ga fitlhelwa diaparo le dibuka tse di kailweng e le tsa bana ba ba sa bonweng. Rre Bonang a re se, se ne sa tsisa dipelaelo tsa gore bana bao ba ka tswa ba nwetse mo metsing. A re ka thuso ya mapodisi a a rutetsweng go thuma go tswa kwa Gaborone, mebele ya bana e ne ya felela e inolwa mo bodibeng jwa metsi mo tshokologong ya Laboraro. Ba le babedi ba tswa kwa kgotleng ya Mogothe fa yo mongwe a tswa Moduledi. Rre Bonang o supa fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse go bona se se bakileng dintsho tsa bana. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Lephata le abelana dithuto Ba lephata la pereko le selegae e ne ya re bosheng ba tshwara letsatsi la go rutuntsha ba bereki ka tse di amang mogare wa HIV le ka fa ba tshwanetseng go itshwara le go tshwara ba ba amegileng ka teng. E rile a amogela ba baneng tseneletse moletlo mookamedi wa lephata la pereko le selegae mo Selebi Phikwe Rre Mothusi Komane a tlhalosa gore mogare wa HIV o ko godimo mo toropong ya Selebi Phikwe mo go tlhokang gore Batswana ba fetole boitshwaro. O tlhalositse fa bolwetse jwa AIDS bo gapa badiri mo ditirong ka go farologana mo ba boneng go le maleba go dira thulaganyo ya go laletsa bana le seabe go tla go tlhatlhelela badiri ba lephata la bone ka tse di amang bolwetse jwa AIDS. Rre Komane o tlhalositse fa bangwe ba santse bana le bothata jwa go ikamogela go re battle ba tswele mo pontsheng gore ba tle ba bone dithuso tsa bongaka. O kopile ba lephata la selegae le pereko go phuthologa fa ba bua ka tse di amang bolwetse jwa AIDS le go ne go amogela ba ba amegileng go re le bone battle ba ikamogele. Erile a ema badiri, modiri go tswa kwa mokgatlhong wa Silence Kills mo Selebi Phikwe rre Othusitse Katlholo a tlhalosa gore o itumetse thata go bo ba bone go le maleba go rulaganya thuto –seka-dipuisano ya go nna jaana ka go supafetse fa go le ga ntsi dikgang tsa kgethololo di utlwala thata mo ditirong. Rre Katlholo o tlhalositse fa diemo di tshwana le lehuma le tumelo ya Setswana e Batswana ba nang nayo ya gore monna ke selepe e le tsone di rotloetsang kanamo ya bolwetse jwa AIDS. O kgotlhaditse batsena thuto-seka-dipuisano go itekanya merwalo jaaka go fokotsa dikoloto ka le tsone di ka dira gore motho a bo a ka nna le bakapelo ba feta bongwe e le go leka go thiba letlhoko le motho a tlaabo a nanalo. Rre Katlholo o supile go re kgodiso ya ngwana le yone e kanna le seabe mo go anamiseng mogare wa HIV, a re bana ba tshwanetse go rutwa go ikemela ka bonosi , a tlhalosa gore ngwana wa mosetsana o tshwanetse go rutwa ditiro tse di farologaneng di tshwana go phatsa dikgong gore e re kamoso a kgone go itirela go tshwana fela le ngwana wa mosimane o tshwanetse go rutwa ditiro tse di dirwang ke ngwana wa mosetsana. A tswelelela ka go tlhalosa fa ngwana a ithuta thata mo go tse a di boneng ka matlho go na le tse a di utlwang ka jalo batsadi ba tshwanetse go itshwara sentle fa pele ga bana. Mogakolodi go tswa kwa mokgatlhong wa Silence Kills mme Charity Manyepedza o tlhalositse fa dipatlisiso di supa fa go santse go na le kgethololo mo di ofising ka bophara. A re batho ba santse ba na le go anamisa seemo sa ba bangwe mo ditirong mme a tlhalosa gore ga go letelesege mo motho a ka tseelwang dikgato tse di maleba. Mme Manyepedza o gakolotse badiri go phuthologa go itekodisa bagolwane ba bone mo tirong gore motho wa go nna jalo a tle a kgone go gololesega fa a tshwanetse go ya go bona ba bongaka. O gakolotse badiri ba lephata la pereko fa Silence Kills e le leloko la mokgatlho wa BONELA ka jalo fa mongwe a sa tseega sentle kana seemo sa gagwe sa mogare se tsuulotswe o ka kgona go itshwaraganya le bone gore motho wa go nna jalo a tle a tseelwe dikgato tse di maleba. Thuto-seka-dipuisano e ne e tshwaretswe kwa di ofising tsa pereko le selegae kwa go neng go laleditswe maphata a tshwana le la botsogo go tla go ruta badiri ka fa ba tshwanetseng go itshwara ka teng fa ba amilwe ke bolwetse jwaAIDS. Mooki go tswa kwa sepateleng se segolwane sa Selebi Phikwe mme Ndapiwa Ngewa o tlhalositse fa bolwetse jwa AIDS boilelwa jaaka motsetse. Mme Ngewa o tlhalositse fa e le ba bongaka ba rotloetsa molwetse yo o setseng a simolotse go nwa diritibatsi tsa mogare wa HIV go ikgapha mo nno taging le go ne go dirisa dikauso ka nako ya tlhakanelo dikobo. O tlhalositse gore fa motho a setse a simolotse go tsaa diritibatsi ga a tshwanela go di tlogela kana go ditlodisa ka gope.Mme Ngewa o tlhalositse gore pele fa ba neela molwetse dipilisi ba moruta ka ditlamorago tsa kalafi ya tsone. BOPA education 4 Baithuti ba ithuta go dirisa dibalamakgolo Baithuti ba le masome matlhano ba alogile mo go ithuteng go dirisa dibalamakgolo kwa motlobong wa dibuka wa Letlhakeng. E rile a bua kwa kalosong eo, mogolwane go tswa kwa lephateng la banana, metshameko le ngwao, Mme Felicity Nyoni a tlhalosa fa tiro eo e le ya ntlha go diragala mo kgaolong ya bone, a tlhalosa fa ba itumetse ka tiro eo e atlegile. Mme Nyoni o tlhalositse fa ba tlaa tswelela ba alosa baithuti kwa motlobong oo, a supa fa mo Baebeleng e e boitshepo mo lekwalong la Bafilipi kgaolo ya ntlha, temana ya borataro e balega e re, Ke ntse ke ikantse mo, gore yo o simolotseng tiro e e molemo mo go lona, o tlaa swetsa go ya kwa motlheng wa ga Jesu Keresete. Mookamedi wa metlomo ya dibuka mo Botswana, Mme Chinnana Selolwane o ne a tlhalosa fa motlobo wa dibuka o dira ka thuto le ka dipatlisiso. O tlhalositse gore fa motho a bua ka thuto o tshwanetse go feta ka motlobo wa dibuka go ithuta, go batlisisa le go itlosa bodutu. O supile fa lenaneo la go ithuta go dirisa dibalamakgolo le simolotse ka 2009, a supa fa le dirisiwa mahala mme maikaelelo e le gore Batswana ba ithute go dirisa dibalamakgolo ba phuthologile. O supile fa motlobo wa dibuka o na le maikaelelo a go bona Batswana ba fetogile ba dirisa maranyane, a bo a kopa bana ba dikole go dirisa dibalamakgolo go batlisisa ka thuto ya bone. Mme Selolwane o tlhalositse fa gape barui, baroki le baithuti ba ka dira dipatlisiso mo maranyaneng gore ba tokafatse bokgoni jwa bone. O tlhalositse fa badiredi ba motlobo wa dibuka ba rotloediwa go ithuta dibalamokgolo gore le bone ba itokafatse go tshwana le maphata a mangwe. O boletse gape gore ba setse ba alositse baithuti ba feta 71 000 mo go diriseng dibalamakgolo, a ba a tlhalosa fa gape metlobo ya dibuka e tsamaya mo go masome a supa le bone mo lekgolong mo go nneng le dibalamakgolo le go nna le maranyane. Mme Selolwane o tlhalositse fa ba itemogetse fa bana ba dikole ba tshelegela ka bokete kwa metlobong ya dibuka. O kopile ba ba setseng ba na le kitso ya go dirisa dibalamakgolo le maranyane go e dirisa, e seng jalo e ka felela e ba latlhegetse. E rile a a fa bopaki, sealogane Mme Elizabeth Segola, a supa fa a gwetlhilwe ke go lemoga fa ba tshelela mo lefatsheng la diphetogo, a supa gore fa motho a lwala o ka batlisisa mo maranyaneng gore o ka dira jang go tokafatsa botsogo jwa gagwe. O tlhalositse fa go ne go le bokete ka ba ne ba tshwanelwa ke go ithuta dilo tse dintsi mo dibekeng tse thataro, a bo a supa fa a itumetse ka a kgonne go fetsa thuto e. O kopile ba ba saletseng kwa morago go ikwadisa ka go dirwa mahala. Sealogane se sengwe, Rre Tshenolo Babupi, o ne a supa fa a ne a gwetlhiwa ke gore goromente o ithotse tiro ya go ba kwadisetsa manyena a leruo, go ipeela dikitso tsa leruo le go lebelela kgolo ya lone. O supile fa a ne a bona gore se ke sone sebaka sa go itirela sengwe le sengwe ka kitso e a e anywileng. Mogolwane wa thuto mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Rre Musa Mongana, o supile fa bopaki jo bogolo bo dule ka baithuti, a supa fa goromente a tlhalositse fa ditiro tse dingwe barui ba tshwanetse go di itirela. Rre Mongana o tlhalositse fa ba tlhoka banni ba ba ka ipatlelang dikitso go batlisisa le go tlhabolola matshelo a bone. O supile fa go le botlhokwa gore batho ba tsamae le dinako, a supa fa gompieno motho a kgona go bala, go tlhaeletsa le gone go romela madi ka maranyane. BOKHUTLO education 4 Go gataka tsamaiso go borai Makhanselara le bogogi jwa khansele potlana ya Mabutsane ba gakolotswe gore go gataka tsamaiso ya dikhansele ka dinao go ka nna le ditlamorago tse di sa ba siameleng. Se se builwe bosheng mo thuto seka dipusanyo e e ne e tshwaretswe kwa Jwaneng. Mothusa mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Ngwaketse, Rre Kruger Balosang a re molao o papametse gore fa khansele e itlhokomolosa tsamaiso e e beilweng,Tautona o ka tsaya tshwetso ya go phatlalatsa khansele eo mme a bo a itlhophela ba a bonang ba na le bokgoni jwa go goga khansele kwa ntle ga ditlhopho. O ne a fa dikai ka makhanselara mangwe a a reng ba itlhokomolosa go tsenelela diphuthego tsa khansele. A re makhanselara ba tshwanetse go itse tsamaiso le go e sala morago go nale le go dira dilo tsa bone ka nako ya khansele. “Ga gona mokhanselara yo o tshwanetseng go salwa morago go dira tiro e a e tlhophetsweng,” o ne a tlatsa. Are mo mabakeng a mangwe makhanselara ba itlhokomolosa melao le ditshetlana tse di beilweng go ba kaetsa ka fa tsamaiso e ntseng ka teng,mme a tlhalosa gore go ka nna diphatsa mo go bone. Rre Balosang are makhanselara ba tshwanetse go kgaphela sepolotiki ko ntle fa ba tsena mo khanseleng ka jaana ba romilwe go emela dikeletso tsa batho. O ne a ba gakolola gore tiro ya bone ke go buisana le sechaba go utlwa matshwenyego a bone, le go ba thusa go rarabolola mathata a bone ka go ba kopanya le maphata a khansele a a maleba. A re dikhansele di tlhametswe go atumetsa ditirelo ko sechabeng mme o ne a kgothatsa bodiredi go bereka ka natla go netefatsa seo. Rre Balosang yo gape a kile a nna mokwaledi wa khansele, are bodiredi jwa khansele bo tshwanetse go berekisanya sentle le makhanselara go direla sechaba. O ne a kgala seemo se bodiredi bongwe bo ntsha makhanselara a a itlhophetsweng ka luso logolo ba gana go ba fa dithuso tse ba di tlhokang. “Makhanselara a a itlhophetswe a lekana fela le ba ba tlhophilweng ke sechaba, ka jalo le tshwanetse go ba thusa ka go lekana” a tlhalosa. O ne a tswelela a tlhalosetsa phuthego eo gore khansele e bereka thata ka dikomoti tse di farologaneng, mme a ba kgothatsa go nna le seabe mo dikomiting tseo. A re dikomiti di tshwanetse le tsone tsa tlhoafalela go dira tiro ya tsone gore maduo a khansele a kgone go bonala. O ne a kgothatsa baduladitilo ba dikhansele go tsaya boikarabelo jwa gore tiro e a dirwa gore ditirelo di kgone go goroga ko sechabeng. E ntse e le ko phuthegong eo,mothusa mokwaledi wa khansele ya Kanye Rre Senatla Rutherfod o ne a kgothatsa gore go nonotsha bodiredi ke motswako wa katlego. A re go botlhokwa gore moeteledipele a nne kutlo le go berekisanya sentle le batho. A re Makhanselara jaaka baeteledipele, ba tshwanetse go nna le mowa wa neelano le go nna le nako ya go nna le batlhophi ba bone go utlwa matshwenyego a bone. Rre Rutherfod are moeteledipele wa tlhwatlhwa tshwanetse go tlotla batho gore batho ba tle ba kgone go mmulegela fa ba na le mathata. O ne a tlhalosa gore boikgogomoso bo dira gore tirisanyo mmogo e seka ya nna teng mme maduo a tiro le one a bo a ya ko tlase. “Moeteledipele fa a bereka le batho o tshwanetse a ba tlhokomela le go ba tlhola” a tlatsa. Maikaelelo a phuthego eo ya malatsi mararo e ne e le go tlhatlhelela makhanselara le bogogi ka ditsamaiso tsa khansele le gore ba ka bereka jang go isa ditlamelo ko sechabeng ka bofefo. BOKHUTLO politics 7 Kereke e abela motlhoki Kereke ya Christian Lesedi African Church Apostle e abetse Mme Lefela Monankwe le ba lelwapa la gagwe kwa Takatokwane mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng dimpho tsa diaparo le dijo tse di lopileng P2 144 le madi a a ka tshwarang P3 000 fa godimo. E rile a bua kwa kabong dimpho eo, modulasetilo wa kereke, Rre Kabo Kefaletse, a re maikaelelo a bone a magolo ke gore le bone ba nne le seabe mo go diragatseng lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba la tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala. Rre Kefaletse a re ba ne ba ngomolwa pelo ke seemo se mme yoo a neng a tshelela mo go sone, ka jaana e ne ya re ka ngwaga wa 2014, a tlhokafalelwa ke ngwana wa gagwe wa mosetsana, yo e neng e le ene motlhokomedi wa lelwapa, e bile gape a tlogela bana ba babedi, ka jalo ba thulanya ditlhogo go mo tswa thuso. A re ba ne ba kgobogakanya madi mme ba kgona go fa ba lelwapa leo dithuso tseo. O kaile fa ba bone go le botlhokwa gore ba seka ba remelela fela mo go rereleng setshaba lefoko la Modimo, mme ba hape dipelo tse di botlhoko ka go supa lerato le bopelotlhomogi, a gatelela fa mokeresete a tshwanetse go bonwa ka ditiro. Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Ngaka Ngaka a re go a itumedisa go bona dikereke di tsentse letsogo mo go direleng setshaba, mme fela a gwetlha kereke eo, gore ba tswelele ba lebe lefatshe leno ka leitlho la lerato le kutlwelobotlhoko. Rre Ngaka o ne a kopa Mme Monankwe le ba lelwapa la gagwe go amogela dimpho tseo ka lerato le go di dirisa ka fa go tshwanetseng, fela jaaka ba di abetswe ka lerato le bopelotlhomogi ke bakeresete ba Modimo, a tlatsa ka go gwetlha batsadi go godisetsa bana mo dikerekeng. Mme Monankwe o ne a lebogela kereke lerato la go ba abela dimpho le go ba thusa mo kgodisong ya bana ba morwadie a ba tlogetseng, mme fela a tshephisa fa a tlaa tlhokomela dimpho tseo. Bokhutlo religion_and_belief 8 Go sa atlega mo dithutong ga se phelelo ya botshelo Go sa atlega mo dithutong go tlhalosiwa fa e se phelelo ya botshelo ka jaana go le ditsela di le dintsi tse motho a ka inaakanyang le tsone go itlodisa dinokana di tletse. Se se boletswe ke mongwe wa banana ba toropo ya Francistown, Rre Bonolo Kgautlhe yo o dingwaga tse di masome mararo le motso mo potsolotsong le BOPA. Rre Kgautlhe yo o tlholegang kwa Kanye ke mongwe wa Batswana ba ba dumelang gore bodiragatsi ke nngwe ya ditsela tsa itshetso fa bo ka tsewa ka tlhwaafalo. O tlhalositse fa nako e gorogile gore bodiragatsi bo seka jwa tsewa e le itloso bodutu fela mme e nne tsela nngwe ya go inamola lehuma segolo bogolo ka mo malatsing a gompieno a letlhoko la ditiro. Touchars jaaka a tlwaelesegile go bidiwa a re mo malatsing ano phokoje go tshela yo o dithetsenyana a tlatsa ka gore go tswelela mo botshelong ga go reye gore motho a bo a ile mmadikole mme se se botlhokwa ke go dirisa tlhaloganyo go latela metlhala ya khumo. “Metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka ditlhaloganyo tsa rona go e latela. Go tlhoka go atlega mo dithutong ga go a tshwanela go nna sekgoreletsi sa katlego ya botshelo” a bua jalo Kgautlhe a tlatsa ka gore mabutswapele ba ne ba humile mme ba sa ya dikoleng. O tsweletse a tlhalosa fa e se ba botlhe ba ka nnang le sebaka go atlega go ya go tswelela kwa dikoleng tse dikgolwane. Ka jalo a re ke maikarabelo a mongwe le mongwe go netefatsa fa botshelo bo tswelela go sa kgathalesege dikgwetlho dipe fela tse di ka nnang teng tsa botshelo. O tlhalositse fa e ne ya re a itemogela fa a sa kgona go atlega mo dithutong tsa gagwe tsa lokwalo lwa boraro a seka a letlelela go tsenwa ke mowa wa boitlhobogo ka botshelo jwa gagwe, mme a sekaseka tsela e ka yone a ka ipetlelang isago. A re le ntswa dikakanyo di ne tsa nna matsorotsoro o feletse a nna le kgatlhego e e ko godimo ya go tshwantsha le go loga mekgabisa ka go farologana. “Ke feletse ke ithaopela go loga le go tshwantsha ka ke ne ke na le lesedi la go dira jalo mme e bile ke ne ke kile ka ikgolaganya le monna mongwe wa Zimbabwe e bong Rre Tinise Maremera yo ka nako eo a neng a tumile e le mankge wa tiro ya go tshwantsha le go loga” a tlhalosa jalo Kgautlhe. A re morago ga go tsaya tshwetso eo a itoma molomo wa tlase go tshwantsa le go loga mekgabisa e e farologaneng. O tlhalositse fa Batswana ka bontsi ba ne ba supa kgatlhego mo mekgabiseng ya go nna jalo mme seo, a supa fa se ne sa mo tiisa moko le go feta go dira ka manontlhotlho le botswapelo mo tirong ya gagwe go tswelela a itumedisa bareki ba gagwe nako le nako. Ka ngwaga wa 2013, Rre Kgautlhe o tlhalosa fa a ne a tlelwa ke mogopolo wa go ya go rekisa kgwebo ya gagwe kwa mafatsheng a a mabapi a tshwana le Zambia, South Africa le Zimbabwe. “Kakanyo e e ne ya mperekela thata ka jaana bareki kwa mafatsheng a ba ne ba wela ka dipalo tse di nametsang bangwe ba ntsha madi gore ke ba rutuntshe ka ba ne ba kgatlhegela se ke se dirang”a bua jalo a supa monyenyo. A re mo nakong eno o setse a itsege kwa mafatsheng ao mme e bile fa gongwe ba mo leletsa fa ba batla thuso ya gagwe. A re le mo lefatsheng leno o setse a tsamaile mafelo a le mmalwa go rekisa kgwebo ya gagwe mme maduo le one e nnile a a itumedisang. arts_culture_entertainment_and_media 0 Rammidi o leboga banni ba kgaolo Mopalamente wa kgaolo ya Kanye Bokone, Rre Kentse Rammidi o lebogetse banni ba kgaolo ya gagwe go bo e rile ka 2009 ba mo roma go nna moemedi wa bone kwa palamenteng. O buile jalo mo metseletseleng ya diphuthego tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa Lekgolobotlo, Kgomokasitwa, Ranaka le Moshaneng. A re o lebogela gore ba berekile mmogo ka mowa wa kagiso le neelano mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng a ba a tlhalosa fa a kgonne go ntsha megopolo kwa palamenteng ee maleba le kgaolo ya bone le e e amang lefatshe leno ka bophara. Mengwe ya megopolo o supile fa ele wa matlhabelo a Lobatse a Botswana Meat Commission o a bolelang fa a ne a kopa puso go tlhotlhomisa madubadube a a neng a a apesitse matlhabelo ao mme puso ya felela e ntsha lekoko le le neng la tlhotlhomisa dikgang tseo. A re o dirile jalo ka a itse fa kgomo ele yone bokamoso jwa Motswana ka jalo BMC e tshwanetse ya bo ele mo seemong se se siameng gore e kgone go tokafatsa matshelo a Batswana. Rre Rammidi o tsweletse a tlhalosa fa nako jaanong e tsile ya gore bagwebi ba bangwe ba letlelelwe go reka le go rekisa nama ya kgomo le ditswa kgomong, selo se mo nakong eno se dirwang ke BMC fela, a supa fa go dira jalo go ka ba thusa gore ditirelo le ditlhwatlhwa di tokafale go nale mo nakong eno. O ba tlhaloseditse fa e tla a re kgwedi ya Phalane monongwaga a ba a emetse ditlhopho mme a ba kopa gore ba mo tlhophe gore a tswelele a emele dikeletso tsa bone. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Bonatla le boineelo konokono mo temong Rre Gaorelathe Tape, monana wa molemi kwa Mmashoro, ke mongwe wa ba ba dumelang gore go fitlhelela ditoro go batla bonatla. E re le ntswa a ise a fitlhelele gotlhe mo a go eletsang mo kgwebong ya gagwe ya temo, Rre Tape a re o a nametsega ka erile a simolola ka 2016, a ipapatsa mo marekisetsong mangwe mme o ne a atlega. A re o lema merogo ee akaretsang beetroot, kwii, tamati le green pepper mo selekanyong sa tema tse pedi, mme a e fetola go ya ka dipaka. Mo nakong e, Rre Tape o baakanyetsa go lema dinamune. Rre Tape, yo o dingwaga di 38, o tlhalositse fa leeto la gagwe mo temong le thaegile morago ga gore tiro e a neng a e bereka e tle kwa bokhutlong mme kakanyo e e neng ya mo tlela, ya nna go sala morago kgatlhego e a neng a na nayo mo temong. A re o berekile meepo ka go farologana mme a lemoga fa a sena lerato mo tirong eo. Ka o sa je nkabo, Rre Tape a re o ne a reka tshimo, a epa sediba a bo a reka tse di tlhokegang mo temong ya nosetso. A re o ne a hira rre mongwe yo o nang le boitseanape jwa temo mme a mo thusa. O supile fa mo nakong eno a hirile babereki ba le babedi ba sennelaruri mme a hira ba bangwe ba e seng ba sennelaruri fa a roba. A re fa a simolola, o ne a lema mmidi mme wa dira sentle fela thata ka a ne a bona dipoelo tse di botoka mo jaanong a neng a tia moko. Rre Tape a re mo mosepeleng o mokhutshwane o a setseng a o tsere mo temong, o lemogile fa temo e batla gore mong a bo a le foo, go bona se se diragalang. A re go sa dira jalo, motho o felela a sa lemoge fa go na le bothata le gore o ka tila bothata joo jang. A re yaare go lengwa a bo a le teng o tshwaraganetse tiro le ba a ba hirileng. Rre Tape o tlhalositse fa temo ya kgwebo e le turu le ditsompelo tsa yone le di le turu mo lefatsheng leno mo a felelang a di reka kwa Aferika Borwa. A re temo e a berekwa ebile e batla senatla e seng go latlhelelwa. A re o eletsa fa lenaneo la temo ya maungo la ISPAAD le ka fetolwa gore balemi bao ba thusiwe ka ditsompelo tse di tlhokafalang. Rre Tape o supile fa balemi ba lefatshe leno ba na le lefatshe le ba ka le dirisang mme mathata e le gore ga ba tlhoafalele temo le fa puso e dira maiteko a go ba thusa ka go ba lemela. O ne gape a re balemi ba tshwanelwa ke go buisanya gore ba leme dijwalo tse di farologaneng gore ba kgone go bona mmaraka wa ko ba rekisetsang teng. Rre Tape o gakolotse balemi go simolola temo ka madi a bone fa ba kgonang teng go na le gore ba adime madi ka temo e tshabelelwa ke dilo di le dintsi di tshwana le dibetso tsa tlholego le malwetsi a a farologaneng. . economy_business_and_finance 3 Ba Zone 7 ba kopiwa go rekisetsa matlhabelo Modulasetilo wa komponi ya matlhabelo a Botswana Meat Commission Rre Akolang Tombale o kopile banni ba kgaolo ya Bobirwa ya Zone 7 go rekisetsa matlhabelo dikgomo tsa bone. Rre Tombale o dirile kopo eo ka letsatsi la boipuso kwa Bobonong gore matlhabelo a tlhoka palo e ntsi ya dikgomo gore a seke a phutlhama. A re BMC e tlhoka dikgomo tse dintsi tse e ka di rekisetsang kwa lefatsheng la Zimbabwe mme a dira kopo gore fa matlhabelo a reka dikgomo mo kgaolong eo barui ba rekise ka dipalo tse di kwa godimo. Rre Tombale o kopile maitshwarelo mo baruing go bo madi a dikgomo tse di neng tsa rekwa mo kgaolong eo a tlile thari a re seo se tla tlokafadiwa mo lebakeng le le tlang. A re BMC e tlhoka palo e ntsi ya dikgomo mme a supa fa kgaolo e ya Bobirwa e nale bokgoni ja go rekisetsa matlhabelo palo e e tlhokegang. O supile fa kgaolo eno e wetswe ke leuba mme barui ba ntse ba jesa dikgomo tsa bone dithokolo tsa dikoko a re seo se kgotlela nama ya kgomo mme go sa direle lefatshe leno sentle mo mohameng wa nama kwa mafatsheng a sele. A re BMC gape e tshwengwa ke bolwetsi ja mabele (measles) mme a kopa barui go aga matlwana a boiteketso gore dikgomo di seke tsa ja leswe. Rre Tombale a re mo dikgomong di le lekgolo tse di bolawang kwa BMC di le lekgolo, di le lesome di tshwarwa ka bolwetsi ja mabele. Rre Tombale a re matlhabelo a BMC a ikaelela go fokotsa bolwetsi joo go tswa ko go 20 percent go ya kwa selekanyong sa 3 percent ka go fa barui dipilisi gore bolwetsi joo bo laolesege. O kaile fa mohama wa kgomo e le mengwe e e ka dirisiwang go lwantsha lehuma ka lefatshe leno le nale bokgoni ja go rua kgomo mme a kopa barui go rekisa dikgomo tsa bone gona le gore di nyelediwe ke leuba. Fa a ama letsatsi la boipuso a re Batswana ba tshwanetse go gopola kwa ba tswang teng ka lefatshe leno le kile la bo le humanegile thata e bile le sena ditlhabololo dipe. A re Botswana o balelwa mo itsholelong e e fa gare go tswa seemong sa mafatshe a a humanegileng thata a re seo se tlhoka go iteelwa legofi. Rre Tombale o kopile Batswana go tswelela ka go tlhabolola lefatshe la bone le baakanyetsa dikokomane tse di tlang. Fa go ntse jalo banni ba motse wa Molalatau ba ne ba ipelela boipuso ka mmino wa dikhwaere, metshameko wa kgwele ya dinao kwa kgotleng ya motse. Morulaganyi wa tiro eo Mme Kate Machaba o tlhalosiste mo potsolotsong fa ba kwa Molalatau ba simolotse go busetsa boipuso mo serodumong sa bogologolo. Mme Machaba a re dikereke ka go farologana le tsone di ne tsa tsaya karolo mo go ipeleleng boipuso. Dikhwaere di supa tsa Molalatau di tsa keteka boipuso koo mme Mme Machaba o supile fa go kgobokanyetsa sechaba go lo go le gongwe go tlisa boitumelo ka letsatsi la boipuso. O supile fa ka boipuso batho ba kgobokanela kwa kgotleng kwa ba lalang teng mme se se dire gore borukhutlhi le jone bo laolesege. Mme Machaba a re ga go nke go nna le dikgogakgogano ka ba bogosi le mapodisi ba tsaya karolo ka letsatsi le. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Sefhare o ipaakanyetsa molelo Molaodi wa kgaolo-potlana ya Mahalapye, Rre Bakuedi Masole, o rotloeditse setshaba go tsenya marapo mo dinameng jaaka ba tsweletse ka go baakanyetsa kamogelo ya molelo wa kgolagano le boipuso mo metseng ya bone. Rre Masole o ntshitse thotloetso e mo phuthegong e e neng e rulagantswe ke komiti e e baakanyetsang boipuso kwa Sefhare bosheng. A re ngwaga ono o tletse ditiragalo tse di botlhokwa thata tse di batlang tshwaragano, morero le boithaopo jo bo tseneletseng mo setshabeng gore di atlege. A tlhalosa fa puso e ka seke e di kgone ka bonosi. Rre Masole o ne a gakolola ka diphetogo tse di diragetseng bosheng tsa malatsi a go goroga ga molelo wa kgolagano mo kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami.A supa fa molelo o tlaa gorogela lantlha kwa Pilikwe kgwedi ya Seetebosigo e tlhola gatlhano mme o feleletse kwa Sefhare Seetebosigo a le lesome le bobedi. O ne a rotloetsa banni ba kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami go itse malatsi a kgorogo ya molelo wa kgolagano mo metseng ya bone. A re keletso ke gore fa molelo o tsena mo metseng, banni ba o amogele ka dipalo tse di kwa godimo. Rre Masole o tsweletse ka go gakolola gore botlhe ba ba tlaa bong ba tsaya karolo ka letsatsi la kgorogo ya molelo, ba bo ba ipaakantse go utlwala. A re go tshwanetse ga nna le moemedi mo motseng yo o tlaa bong a amogela molelo go tswa mo motseng o mongwe go ya go o neela kgosi ya motse o molelo o tlaa bong o goroga kwa go one. O ne a bolela gore gape motse mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le sebui sa moemedi wa banana. Rre Masole a re sebui sengwe le sengwe se se tlhophilweng mo motseng go bua ka letsatsi la molelo, se tshwanetse go tlhaloganya gore kgang kgolo e go tlaa bong go buiwa ka yone ke popagano le tswelelopele mo setshabeng le mo lefatsheng ka kakaretso. A re gape sebui se se tlaa tlhophiwang go tlhalosa ka ditso tsa motse e bo e le motho yo o nang le kitso e e tseneletseng ka ditso tsa motse. Rre Masole a gakolola gore banalebogole ba seka ba tlogelwa kwa morago. O ne a supa fa molelo wa kgolagano o faphegile ka jalo a rotloetsa gore o amogelwe ka tsela e e faphegileng. BOKHUTLO society 9 Baithuti ba gakolotswe go ikgapha Baithuti ba ba sa tswang go fetsa dithuto tsa lekwalo la bosupa kwa sekoleng se sebotlana sa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba gakolotswe go itse fa monate wa lefatshe o sa fele mme ka jalo ba seka ba itshenyetsa bokamoso ka go tabogela go tsena mo maratong ba sale bannye, ka nako e e tshwanetseng e tla goroga. Fa a bua kwa moletlong wa go tsamaisa sentle baithuti bao, mookamela lekalana le le itebagantseng le tlhokomelo ya baithuti e bile e le morutabana go tswa kwa sekoleng se segolwane sa Mahupu, Rre Mompati Tlhabiwe, yo e neng e le sebui sa letsatsi, o tlhaloseditse baithuti gore ba seka ba tabogela monate wa nakwana o o ka sekeng o ba ise gope mo botshelong fa e se go ba wetsa ka lemena fela. Rre Tlhabiwe a re baithuti ba tshwanetse go itse lebaka la go bo ba tsena sekole. O ne a ba kaela gore ba seka ba pataganya thuto le sepe gore ba tle ba fitlhelele ditoro tsa bone mme morago ba je monate o ba o eletsang ba sa tshwenngwe ke sepe ka ba tlaabo ba kgona go itshedisa e bile ba tlaabo ba ipetletse bokamoso. A re monate o banana ba ikamantseng le one o tsisa matlhotlhapelo fela mo matshelong a bone le go ba wetsa ka lemena, mme a ba gwetlha go tsaya boikarabelo ka matshelo a bone le go reetsa dikgakololo tsa batsadi, ka go itlhokomolosa seo go tla dira gore ba thanye lo le tsebeng, ba setse ba babalelwa ke ditlamorago tsa botlhokatsebe O ne a ba lemotsha fa ba tla tswelela ba itemogela dikgwetlho di le mmalwa ka ntata ya go gola le diphetogo tse di diragalang mo mebeleng ya bone, a bua jalo a ba lemotsha fa motho ka boene a ka ikgethela gore o batla go tshela jang, ka go tsaya ditshwetso tse di maleba ka nako ya gagwe ya bonana. O tsweletse ka go supa fa setlhogo sa letsatsi se se reng ‘Moremogolo go betlwa wa taola wa motho wa ipetla’ se le maleba fela thata mo go lemotsheng bosetlabosheng fa go le mo maruding a bone go itirela tse di siametseng matshelo a bone. E ne ya re a tswa la gagwe mooki kwa kokelong ya motse oo, Rre Pelontle Mogae, a supa fa dikgang tsa boimana jwa banana le malwetsi a tlhakanelo dikobo di ile magoletsa mo kgaolong mme go lebega di ama bana ba dingwaga tse di kwa tlase fela thata. A re go ima mmangwana a sale monnye ga go mo senyetse sekole fela mme gape ga go a siamela botsogo ka jaana mmele o abo o ise o nne mo seemong se se siameng sa go tshegetsa boimana joo, e bile go mo tsenya mo diphatsheng tsa go iphitlhela a tsenwe ke mogare. Rre Mogae o ne ka jalo a ba kgotlhatsa go ikgapha gotlhelele mo go tsa tlhakanelo dikobo. BOKHUTLO education 4 Khama o motlotlo ka bagodi Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama a re bagodi ba nnile le seabe se segolo mo go ageng lefatshe le. Tautona Khama o buile jalo ka Matlhatso kgwedi ya Mopitlo e rogwa kwa Kopong a abela bagolo dikobo, dipone tse di dirisang letsatsi, dihempe le dibaebele. A re puso e ntse e leka bojotlhe go rurifatsa gore banana ba eme ka dinao go itirela ka e le bone bokamoso jwa Botswana. Tautona Khama a re le fa go ntse jalo, Batswana ga ba a tshwanela go lebala bagodi ka e le bone ba dirileng motheo wa lefatshe la Botswana. “Ke leboga tiro e le e dirileng le ka fa le neng le tshwere ka teng go direla lefatshe leno,” ga bua Tautona Khama. A re o leboga gore pula e bo e tsweletse ka go na ka jaana seo se raya gore Batswana ba tlaa bona se ba se jang. A re dikobo tse a di abang di tlaa thusa mariga ka e bile a se kgakala. Tautona Khama o ne a bontsha bagolo ka fa lebone la marang a letsatsi le berekang ka teng. O ne a wetsa tiro ka go abela baruti dibaebele gore ba rute lefoko la Modimo ka le le botlhokwa mo botshelong jwa motho. Kgosi Michael Molefe wa Kopong o ne a lebogela Tautona Khama tiro e a e direlang lefatshe leno mme a re mpho ke selo se se botlhokwa, bogolo jang se fiwa mogolo e le malebo. E rile Mopalamente Maj. Gen. Moeng Pheto a leboga a supa fa Tautona a dira tiro e ntle mme seo se tla aga mo dipelong tsa Batswana. A re o lebogela dimpho tse bagolo ba di amogetseng ka jaana di tlaa ba tswela mosola. Tiro e ne ya fela ka go ja sefitlholo mme Tautona a tsholela bagodi a thusiwa ke tona wa papadi le madirelo, Mme Dorcas Makgato-Malesu le mothusa tona wa temo-thuo Rre Oreeditse Molebatsi. BOKHUTLO society 9 Selelo se fedile Se se boletswe ke mothusa tona mo ofising ya ga Tautona le bodirelapuso, Rre Phillip Makgalemele mo phuthegong ya kgotla kwa Ralekgetho bosheng. O boletse fa e le keletso ya puso gore e re Morule a ya fifing ngwaga o o tlang , lehuma e bo e le selo sa maloba. Rre Makgalemele a re ka jalo puso e tsere dikgato tse di maleba go netefatsa gore ba fitlhelela maikaelelo ao. A re dikgato tsa go nna jalo di akaretsa go hira bommaboipelego le barutuntshi ba nakwana ba ba tlaa itebaganyang fela le lenaneo le. Mothusa tona o boletse gape fa madi a lenaneo la nyeletso lehuma a tlaa isiwa kwa ofising ya ga molaodi; selo se a reng se tlaa fefosa go duelwa ga bao ba go rekilweng dithoto le leruo mo go bone. O boletse gape gore mo maitekong a go itebaganya le bogodu jwa dipodi tsa lenaneo le mo go ileng magoletsa, lephata la gagwe le ba lekalana la sepodise ba tsweletse ka go dira letshwao le le tlaa dirisiwang e le sekano sa dihutshane tsa nyeletso lehuma. society 9 Masunga o akotse boipuso Go lebega banni ba Masunga ba ne ba nyoretswe go bona letsatsi la Lwetse a le masome a mararo le goroga le ka lone lefatshe leno le neng le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano le ipusa. Kgotla ya motse ono e ne e penologa go rena megolokwane jaaka morafe o ne o ipelela boipuso jwa monongwaga ka kagiso le boitumelo. Banni ba motse oo ba ne ba rolelwa molaetsa wa ga Tautona wa boipuso ke molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Keabetswe Lesiela mme ba o amogela ka theetso e e seng kana ka sepe le ka boitumelo. Fa a ema morafe ka lefoko, Kgosi ya Masunga Kgosi Thabo Maruje III o ne a kopa Batswana gore ba leboge Modimo ka dinako tsotlhe go bo e le ene a thusitseng lefatshe leno go fitlhelela tse le di fitlheletseng e sa le tsaya boipuso ka ngwaga wa 1966. Kgosi Maruje III a re mo dingwageng tseo lefatshe leno le ne le tshwerwe ke lehuma le le neng le boitshega mme Modimo ka thato ya one, a le direla dikgakgamatso ka jaana mo nakong eno ope yo o ka iphitlhelang a tlhokile lesego la go apara le lehuma, mananeo a puso a teng go mo namola le gone go tsholetsa botshelo jwa gagwe. A re ka jalo Batswana ba tshwanetse ba ipelafatsa le go itumelela lefatshe la bone ka gotlhe mo ba ka go kgonang ka le le botlhokwa mo matshelong a bone ka jaana ba akola go tshela ka boitumelo, kagiso le gone go tshela ka tekatekano, tse batho ba mafatshe a mangwe ba sa di boneng gotlhelele. Kgosi Maruje III a re mo godimo ga tsotlhe, Motswana mongwe le mongwe o tshwanelwa ke go nna le boitshwaro jo bo eletsegang e bile a ikgakologelwa, a itse fa a tsweletse le mosepele wa botshelo. A re keletso ke gore le go ya pele kagiso le thokgamo tse di ntseng di rena mo lefatsheng leno di tswelele go ya go ileng. Go ntse go le foo, Kgosi Maruje III a re o eletsa morafe wa gagwe o ka tshwaragana go leka go fitlhelela ditoro tse ba di akantseng mo motseng, e le ka maikaelelo a go isa motse wa Masunga kwa pele. Fa a tswa la gagwe, Mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima ebile e le Mothusa Tona yo mosha wa tsa Peeletso, Kgwebo le Papadisano Rre Biggie Butale o ne a gwetlha morafe wa Masunga go ema Kgosi ya bone nokeng. Rre Butale o ne a supa fa go tsholetsega ga motse wa bone go ka kgonega fela fa go na le tirisano mmogo e bile botlhe ba itlama go tsenya letsogo mo go sepe se se diragalang mo motseng. Moletlo oo, o mo mosong o neng wa tlhagolelwa tsela ke dikgaisanyo tsa mabelo a sekgele sa dikhilometara tse nne, a akaretsa mabelo a dibaesekele, o ne wa natefisiwa ka mmino, poko le moopelo.BOKHUTLO politics 7 Batswana ba kgothadiwa go ithekela dikoloi ka tlhamalalo Batswana ba kgothaditswe go ithekela dikoloi ka sebele go na le go neeletsa batho ba bangwe. Mo potsolotsong bosheng, mogolwane wa mapodisi a central kwa toropong ya Francistown, Superintendant Lebalang Maniki a re ba tlhotlhomisa kgang e mo go yone mosadi mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bone a sa leng a rekile koloi kwa United Kingdom mme le mo nakong eno a santse a lebile tsela. A re mme yoo o ne a bona bangwe mme ba mo tlhomamisetsa fa ba reka dikoloi tsa bone kwa United Kingdom. Superintendant Maniki a re mme yoo o ne a tsenya P70 000 mo bankeng ya United Kingdom, ka Phatwe go reka koloi mme nako kgolo ke eno. O tlhalositse fa mme yoo a kgona go bua le bone ka maranyane a facebook le internet mme ba nna ba mo solofetsa gore e mo tseleng morago ga nako ba fetola kgang ba bua di sele. Superintendent Maniki a re dikgang tsa go nna jalo go thata go ka golagana le mapodise a Interpol go ba thusa go tshwara dirukutlhi tsa go nna jalo ka ba sa itse gore batho ba teng ke bomang. O tsweletse a re dikgang tse di ba tshwenya thata ka e se lantlha go diragala jaana, a supa fa go setse go tsamaile madi a a ka tshwarang P100 000. O rotloeditse Batswana go ithekela dikoloi tse ba di bonang ka matlho le mo bathong ba ba nang le diteseletso tsa go rekisa dikoloi. Superintendent Maniki a re sepodise sa Botswana se ruta letsatsi le letsatsi gore batho ba seka ba thanya lomapo lo le tsebeng mme batho ba ipeile tsebe se utlwe. A re dikgang tse dingwe tse di ba tshwenyang ke tsa batho ba ba hirisang diteseletso tsa go rwala setshaba le mororo di sa dirwa sentle. Superintendent Maniki a re kwa bofelong batho ba ba rekisetsa dikoloi tsa ba bangwe ka maina a diteseletso tsa bone. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Mananeo a puso mangwe a thulana golo gongwe Mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Moagi Molebatsi o kopile morafe wa Sikwane go tlhokomela noka ya Madikwe ka e ka ngoka bajanala le go tsosolosa itsholelo. Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Sikwane bosheng, mopalamente o tlhalositse fa boeteledipele bo eme nokeng kgosi le banni ba metse ya dinokeng go sireletsa noka. A re go tlaa dirwa matshwao a a kgalemang go leswafatsa noka mo tseleng e e yang koo go tlhagisa badirisi ba yone ka bodiphatsa jwa go e leswafatsa. A re le fa go na le bangwe ba ba nang le mokgwa wa go ikgatholosa matshwao a a mo ditseleng, ba tlaa tswa ka ditsela tse di ka dirisiwang go supa tlhwatlhwa ya noka mo matshelong a bone. Mopalamente Molebatsi a re noka e botlhokwa ka e ka ngoka ba mafatshe a sele mme le bone ba ka e dirisa mo go tsa temo. O kopile banni ba dinokeng go ikanya temo-thuo ka e ka tsisa pharologanyo mo matshelong a bone. A re banni ba tshwanetse go nna le tirisano mmogo gore ba kgone go atlega mo go tse ba di dirang. O boleletse banni fa e le nako ya gore ba nne le botsalano le babeeletsi gore ba kgone go ba thusa mo temong le gore ba ipope ditlhopha gore masimo a bone a agelelwe gore ba kgone go a hirisetsa babeeletsi fa bone ba ise ba a dirise. A re go botlhokwa go dirisa lefatshe fa o na le lone go na le go le rekisa ka bangwe ba dirisa madi botlhaswa mme ba palelwe ke go itshetsa. O kopile banni ba ba nang le masimo mme ba sa a dirise gore ba a adime ba ba nang le kgatlhego ya go a dirisa. Mopalamente o tlhalositse fa e setse e le nako ya gore balemi ba nosetse gore ba kgone go ntsha ditema tse di bonalang. A re go maleba mo nakong ya gompieno go lema dijo tse di bogadi bo gaufi jaaka dinawa ka seemo sa loapi se sa itsagale. Mopalamente o kopile banni gore fa ba hirisa masimo jaaka bangwe ba setse ba dira kwa Mmathubudukwane, go botlhokwa gore ba ithute se bahiri ba se dirang gore le bone mo nakong e e tlang ba kgone go itirela. O tlhalositse fa go setse go na le babeeletsi ba ba supileng kgatlhego mo ditshimong dingwe go lema di Fa a rolela mopalamente ka tsa komiti ya ditlhabololo ya motse, modulasetilo, Mme Kgomotso Radibe o lebogetse mananeo a puso a nyeletso lehuma le Ipelegeng ka a dira sentle kwa motseng oo. O kopile gore bagolwane ba Ipelegeng ba iphe nako go lekola le go sekaseka lenaneo leo gore le dira jang. A re ke nako ya gore go sekasekwe kgolo ya poso ya Sikwane ka e le yone e thusang banni botlhe ba dinokeng mme e le potlana. Mme Radibe o tlhalositse fa ba tlhabolola ntlo lehalahala ya Sikwane. Fa ba akgwa mopalamente dikgaba, Rre Mabuse Pule o lebogetse mafoko a mopalamente a go ba kgothatsa go tshwaragana. A re mogopolo wa temo ke mogopolo o montle mme o ka felela o paletse ba le mmalwa ka mabaka a tsela ya Modipane e e sa siamang mme go ba tlama go tsena ka Mochudi go fitlha kwa dinokeng. O kopile mopalamente go isa kgang ya tsela ya Modipane kwa palamenteng. Rre Joel Molatlhegi o kopile gore go tsenngwe dipone tsa mekgwatha mo motseng ka madi a dikgaolo tsa botlhophi go lwantsha masula a a diragalang mo motseng. environment 5 Tsela ya MandunyaneMathangwane e tlaa tswelela Banni ba Borolong ba boleletswe fa tsela ya MandunyaneMathangwane e e fetang kwa Shashe Mooke e ralala Borolong, Chadibe le Mathangwane e tlaa dirwa morago ga go emisiwa ga thendara e sena go ajwa ngogola. Mopalamente wa Shashe Bophirima, Rre Fidelis Molao o boletse jalo kwa phuthego ya kgotla kwa Borolong ka Mosupologo Hirikgong 13. A re tsela eo e ya go tswelela e dirwa ka go fetola moalo wa yone wa pele go dirile gore go nne bonya go ka e simolola morago ga go emisiwa ga thendara ya ntlha. Rre Molao a re baitseanape ba ditsela ba rile go kanoka tsela eo ba lemoga fa moalo o tlogetse dilo dingwe di tshwana le borogo jwa Semotswane le jwa Borolong, fa lefelong le terena e fetang kwa tlase, dikoloi di le kwa godimo le tsela e e fapogang mo go eo, e e tsamayang dikoloi tse ditona di sa ralale motse. Rre Molao yo e bileng e le tona wa thuto go tswa kwa moding, a re moalo wa tsela o setse o dirilwe go mo legatong la bobedi la go phadisanela thendara. A re tsela eo e tlaa dirwa ka ngwaga wa madi wa 20202021, mme e tlaa lopa P7 million. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Chanungwa Madzonga o ne a lebogela lenaneo la Ipelegeng, a re ka lone ba kgonne go teratelela mabitla le go aga ntlo ya boitiketso. Modulasetilo o ne a ngongorega ka bonya jwa puso go tlhoma motse wa bone boremelelo jwa ditlamelo. A re ba tswa kgakala ka kgang ya teng, gape a re ba sale ba kopile go atolosiwa ga kokelwana ya motse oo go nna e e belegisang. Banni ba ne ba leboga thulaganyo ya go ba siela metsi go tswa kwa Shashe, e e setseng e simologile, ba re seo se tlaa araba selelo sa bone sa lenyora. Ba ne gape ba kopa puso go ba agela sekole se segolwane mo motseng, ba supa fa bana ba bone ba tsena dikole kgakala, selo se ba reng se ba ketefaletsa go nna ba tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana. Fa a araba mangwe a matshwenyego a bone, Rre Molao o boletse fa puso mo nakong ya gompieno e sena thulaganyo ya go aga dikole tse dikgolwane mo go tse di masome mararo le botlhano tse di leng teng. A re gape kwa dikoleng tseo tse dikgolwane go santse go le botokanyana ka e bile dikole tse tharo tse di agilweng bosheng sa Nata, Shakawe le Mmadinare matlo a tsone a borutelo mangwe ga a dirisiwe, seo se supa gore di santse di tlhaelelwa ke palo ya baithuti. A re mo dikoleng ba santse ba lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi, bogolo jang tlhaelo ya matlo a borutelo, mosuke kwa matlong a borobalo le go shafatsa matlo a a teng a borutelo ka dikole tseo di makgasa bontsi jwa tsone. Mo go tse dingwe, o ne a rotloetsa banni go aga matlo go hirisetsa puso, a re le komiti ya ditlhabololo tsa motse fa e na le setsha e ka se neela Botswana Housing Corporation go aga matlo a a ka thusang mo selelong sa letlhoko la boroko. politics 7 Mogokgo o rotloetsa baithuti go ipapana Batswana ba tshwanetse go nna le kitso e e tletseng mo dilong tse di farologaneng ka go ka thusa go tlhabolola lefatshe. Mo moletlong wa kabo dimpho kwa sekoleng se sebotlana sa Ramokgonami bosheng, mookamela ofisi ya motlobo wa dibuka kwa Ramokgonami, Mme Chikana Seanego a re se se ka kgonagala fela fa batsadi, barutabana gammogo le baithuti ba tshwaragane. O supile gore maduo a bana mo dikoleng ka bontsi a wela tlase mo go sa jeseng monate mme ga gona ope yo o tshwanetseng go supa yo mongwe ka monwana. A re mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go tsenya letsogo mo thutong ya bana gore lefatshe le kgone go nna le baeteledipele ba tlhwatlhwa. Mme Seanego o tsweletse a re barutabana ba dira go le gontsi mme fa gongwe maiteko a bone ga a ntshe maduo a a nametsang ka a tlhaela kemo nokeng ya batsadi, jalo o kopile batsadi ba ba tsentseng letsogo go utlwala mo thutong ya bana ba bone go rotloetsa ba ba saletseng morago. A re gape gore ngwana a dire sentle mo dithutong tsa gagwe, o tshwanetse gore a bo a tlhokomelesega kwa lwapeng. Mme Seanego o supile fa a sa itumediswe ke mafoko a batsadi ba kgonang go a raya bana ka a na le seabe mo go goleng ga bana. O tsweletse ka go rotloetsa bana go tlhopha ditsala tse di gogelang mo tseleng ya tshiamo fa ba ba sa dirang sentle mo dithutong bone ba kgothaditswe go itsalanya le ba ba botlhale gore ba tle ba ba fe lesedi. Mme Seanego o tsweletse a rotloetsa baithuti botlhe ba ba kgonneng go amogela dimpho gore ba tswelele ka go tsaya tiro ya sekole ka tlhoafalo ka e le yone bokamoso ja bone. O kgothaditse ba ba sa bonang dimpho gore ba seka ba kgobega marapo mme ba tiise thata mo dithutong tsa bone. Mme Seanego a re Modimo ke ene tsela le boammaaruri jalo fa motho a ka itsalanya le ene o tla a mo araba. E rile a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole seo, Rre Ezekiel Tshetlhana a supa fa sekole se se saletse morago ka go ise go nne le ope yo o ikgolagantseng le sone ka fa tlase ga lenaneo la Adopt-a-school. O kopile ba ba nang le bokgoni go ikgolaganya le bone go leka go tokafatsa seemo se se isang maduo a baithuti kwa tlase. Bokhutlo. education 4 Modiragatsi o rotloetsa baithuti go dira learo Modiragatsi go tswa mo setlhopheng sa House of Men Theatre Group, Mme Janet Phale, o rotloeditse baithuti ba mophato wa ntlha le wa bobedi kwa sekolong se segolwane sa Mphuthe kwa Letlhakeng, go dira learo la borre le le babalesegileng. O buile se mo potsolosong ka Labobedi, morago ga go buisa le go rotloetsa baithuti ka learo la borre le le babalesegileng, ka thotloetso ya ba lekalana la tsa botsogo la kgaolo potlana ya Letlhakeng. Mme Phale a re o ne a rotloetsa baithuti bao go tsaya kgato ka go dira loaro mme e bile a ba lemotsha bomosola jwa teng. O kaile fa baithuti bangwe ba ne ba na le keletso ya go dira loaro le mme ba kgojwa marapo ke ba bangwe ka ba ba tshosetsa, ba ba bolelela fa go le botlhoko go dira loaro le; fa bangwe bone ba ne ba eletsa go rerisanya le botsadi pele kwa lapeng. Le fa go ntse jalo, bana ba le masome a mane le boferabobedi ba ne ba tsaya kgato ya go dirwa learo le. Modiragatsi yo o ne a tlhalosa fa ba ba tsereng kgato go ya go dirwa loaro, ba ne ba fiwa dipampitshana tsa go kopana le dingaka go ya go dira loaro, mme e bile ba tlaa thusiwa ka sepalamo kwa sekolong go ba isa kokelong. BOKHUTLO health 6 Batlhophi ba kopiwa go tlhopha Moenga Batlhophi ba kgaolo ya Ngamiland ba kgothaditswe go tlhopha Moruti Cosmos Moenga wa phathi ya kganetso ya Umbrella for Democratic Change ka e le moemedi wa tlhwatlhwa yo o nang le seriti sa go kopanya batho. Se, se builwe ke Rre Ndaba Gaolathe bosheng, fa a ne a rola semmuso ntlhopheng wa bopalamente wa phathi eo kwa Gumare. Rre Gaolathe o tlhalositse fa Rre Moenga e le mogaka yo o botlhale, a tlatsa ka gore, ntswa a bone thuto, ga a e dirise go ikgogomosa mme o tsisa tshiamo mo lefatsheng la Botswana. A re go mo tlhopha go ya palamenteng go mosola ka a itshupile e le rre yo o lerato e bile a le ponelopele. E rile a ntsha dintlha tsa maitlamo a phathi ya bone a tlhalosa gore ba ikemiseditse go tlhabolola thuto ka go ruta Batswana tiro ya diatla, e seng fela go remelela mo go ruteng bana gore ba bereke kwa diofising. O tlhalositse gore phathi ya UDC e itlamile gore fa e tsaya puso ga e na go tlogela ope kwa ntle, mme a tlatsa ka gore, gore puso kana batho ba fitlhelele ditoro tsa bone go botlhokwa gore go bo go epilwe mosele wa pula go sale gale, go na le tirisanyo mmogo, therisano le kabelano dikitso. O kopile batlhophi go ema ka dinao go tlhopha sentle, ka kgololesego ya Botswana e le mo matsogong a bone. E rile a ntsha la gagwe, ntlhopheng wa bopalamente wa kgaolo ya Ngami Moruti Cosmos Moenga, a tlhalosa fa puso ya Domkrag e e sa bolong go busa e le puso ya ga Mmamosadinyana, mme phathi eo yone e romilwe fela. A re fa a ka tlhophiwa o tlaa rurifatsa gore kgaolo ya gagwe o a e tlhokomela le go e direla ka gotlhe. O kgothaditse diphathi tsa kganetso go kopana go bereka mmogo ka a dumela se, se ka ntsha phathi ya Domkrag mo pusong. Moruti Moenga o emetse ditlhopho tse, a gaisanya le Rre Taolo Habano wa Botswana Congress Party le Rre Thato Kwerepe wa phathi ya Botswana Democratic Party. Bokhutlo politics 7 Bogodu jwa ditonki bo keketse kwa Ramokgonami Kgosi Sefako Gaobuswe wa Ramokgonami a re o tshwentswe ke seemo se se golelang pele sa bogodu jwa ditonki. Mo potsolosong bosheng, Kgosi Gaobuswe o tlhalositse fa seemo se, se ntse se le teng le mo dingwageng tse di fetileng mme mo ngwageng ono se bifile. A re bontsi jwa batho ba ba amegang mo bogodung jo, ke banana ba dingwaga tse di simololang ka lesome le borataro go ya ko godimo. Kgosi Gaobuswe o tsweletse ka go kaya fa a utlwisiwa botlhoko thata ke gore bangwe ba banana ba ba amegang mo borukutlhing jo, e santse e le baithuti ba sekole se segolwane sa motse oo. O tlhalositse fa gantsi ditonki tse, di a bo di utswelwa go bolawa di bo di jewa nama. O boletse gore mo melatong e mengwe ya borukutlhi jo, ba lemogile fa go na le tirisanyo fa gare ga banana ba metse ya Ramokgonami, Maape le Tumasera. O tlhalositse gore ba Ramokgonami ba tlaa bo ba utswa ditonki mo motseng wa bone ba bo ba di fa ba Tumasera kana Maape mme bao le bone ba bo ba ba fa tse ba di utswileng mo metseng ya bone. Kgosi a re se se ngomolang pelo, ke gore go lemosegile fa bangwe ba banana bao ba kgona go bolaela ditonki tseo mo matlhong a batsadi ba bone mme batsadi ba bo ba sa tsee kgato epe le ntswa ba itse gore bana ba bone ga ba na seruiwa sepe. O tlhalositse fa katlholo ya borukuthi jo, e ka nna dingwaga tse tlhano mo kgolegelong kgotsa go feta. O kopile setshaba go ikgapha mo dithotong tse e seng tsa bone a bo a kopa le batsadi go tsenya bana mo tseleng ya tshiamo gore ba gole ba na le boikarabelo. O lebogetse batsadi ba ba dirasanang le bone ka go ba begela ditiragalo tsa mofutla o. Go sale foo, Kgosi Gaobuswe a re ba simolotse go amogela dikgang tse dingwe tsa borukutlhi ja manweenwee a a amogang setshaba dithoto tsa bone mo maemelong a dipalamo a a kwa ntle ga motse. A re bosheng jaana, mme mongwe o ne a tla go ba begela fa lekawana lengwe le ne la mo supa ka thipa mme morago la mo amoga beke e a ne a supa fa e ne e na le madi, mogala wa letheka, omang le bukana ya mesepele. O boletse fa selalome seo se ise se tshwarwe. crime_law_and_justice 1 Lerato le tiisa lenyalo Banyalani ba gakolotswe go itsetsepela thata mo manyalong a bone ka go tlotlana le go fana lorato ka nako tsotlhe gonne seo se ka thusa thata mo katlegong gammogo le go tia ga manyalo a bone. Moruti Keppies Mokaedi wa kereke ya Apostolic Faith Mission wa Makopong o buile seo bosheng kwa diofising tsa ga molaodi fa go folosiwa manyalo, a tlhalosetsa banyalani fa lenyalo le siame fela mme bobedi e le jone jo bo ka le tlhakatlhakanyang ka go tlhoka go le dibela le go le agela mo lefokong la Modimo. O boletse gore go itshwarelelana fa yo mongwe a dirile phoso go di goga kwa pele mo go ageng lelwapa le le itsetsepetseng. O boletse fa e le moruti yo o ithaopetseng go bereka le balaodi ka dinako tsa manyalo fa go folosiwa mme a re tiro ya gagwe e tona ke go kgothatsa le go gakolola banyalani ka go ba rerela lefoko la Modimo. A re gantsi o kgothatsa banyalani ka ditemana tse di tlhalosang e bile di remeletse thata mo lenyalong. Moruti Mokaedi a re o dirile tiro e ya Modimo morago ga go lemoga fa go na le manyalo a le mantsi a thubegang mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa. A re o sale a simolotse go dira tiro e ka 2000 go fitlha mo nakong eno. O kaile fa a itumedisiwa ke ka fa a berekang ka teng le balaodi ka a re botlhe moono wa bone ke go aga malwapa a a tiileng. Fa a tswa la gagwe, mothusa molaodi Mme Peggy Kutlase o tlhaloseditse banyalani ka molao o mosha wa tlhakanelo dithoto a supa fa go na le ditatlhegelo le dipoelo mo go one, ka jalo a re ba tshwanetse go o itse le go o tlhaloganya pele ga ba tsena mo lenyalong. Mothusa molaodi o tsweletse ka go tlhalosetsa banyalani fa ba tshwanetse go rerisana, go tlotlana go nna boineelo le gone go ratana ka e le gone go ka agang lelwapa le go renang kagiso mo go lone ka nako tsotlhe. O boletse gore lenyalo ke konteraka e e felang fela fa yo mongwe a tlhokafetse kana go kgaogana ka fa molaong fa lorato le setse le fedile. A re ba lemogile gore sengwe sa dilo tse di thubang manyalo ke go tsena mo lenyalong go sena lorato, motho a gabile dithoto fela. Mme Kutlase o supile gore fa e sale ngwaga ono o simolola ba nyadisitse manyalo a le masome a mane le boraro go fitlha mo nakong eno, a kaya fa mo go one a a nyadisitsweng ke baruti kwa dikerekeng a le matlhano fela. Fa akgela mongwe wa batsadi, Mme Elizabeth Jacobs o gakolotse banyalani gore lenyalo le a itshokelwa, a ba a gatelela thata gore puisano le therisano ke tsone konokono mo go atlegeng ga lone. society 9 Dikgang tsa kgokgontsho di a tshwenya Mogolwane wa mapodisi a Bokspits kwa kgaolong ya Kgalagadi, Rre Berman July, a re kgokgontsho ya bomme le bana e atile kwa kgaolong ya gagwe. Rre July o boletse jalo mo potsolotsong bosheng kwa Vaalhoek morago ga go wela ga malatsi a lesome le borataro a a seegetsweng fa thoko go rotloetsa batho go iphapha mo kgokgontshong ya bong. O kgadile a sa kgwe mathe boitsholo jo bo sokameng kwa kgaolong eo. Rre July a re ditiragalo tsa letsatsi le, di ne di neela banni sebaka sa go itshekatsheka. A re ka ngwaga wa 2018, morafe o ne wa kopanela kwa kgotleng ya Vaalhoek go buisana ka dikgang tsa kgokgontsho ya bong, mme maiteko a a nametsa ka gore dikgang tse di gorogang kwa go ba sepodisi di fokotsegile monongwaga. A re go botlhokwa go kopana le morafe le magosi a metse eo go tswa ka methale ya go fenya kgokgontsho. Mogolwane o ne a supa gore e re le ntswa dipalo tsa dikgang tsa petelelo di fokotsegile, tsa dikiteo di ile kwa godimo mme e bile dingwe di setse di isitswe fa pele ga makgotla tshekelo. Rre July a re maikaelelo a bone ke go fedisa kgokgontsho ya bomme gotlhelele ka jalo go botlhokwa go tshwaragana le morafe go fitlhelela se. A re kgangkgolo ke go ipotsa gore ke eng motho a tswelela a dira molato le ntswa a itse dikatlholo tsa one. A re bontsi jwa dikgang tse di gorogang ke tsa ba ba tlang ba na le dikgobalo tse di masisi. Rre July o tlhalositse jalo gore go santse go supega fa bomme le bana e le bone ba ba amegang mo dikgannyeng tse thata. Mogolwane wa mapodisi a re o tshwenngwa ke bomme ba ba begang dikgang kwa go bone mme e re moragonyana ba di boele morago ka mabaka a gore modiramolato ke ene a berekang mo lelwapeng. O ne a tlhalosa gore bontsi jwa dikgang tsa sebopego se, go a diragala gore yo o iteilweng a boe gape a boele kwa mapodising a iteilwe morago ga go tsholola kgang. Rre July a re ba tswelela ka go tlhaba podi matseba ba ba kgokgontshitsweng ka borai jwa go gana ka bosupi gore modiramolato a sekisiwe. A re ga gona se mapodisi a ka se dirang fa yo o kgokgontshitsweng a gana ka bosupi. Mogokgo wa sekolo se se botlana sa Vaalhoek, Mme Nametso Barwabatsile a re o lemogile gore bana ba a kgokgontshiwang kwa malwapeng mme bontsi jwa dikgang ga di begelwe mapodisi. A re bontsi jwa kgokgontsho mo motseng oo, bo tlhotlhelediwa ke go iphetisa dinotagi. Mme Barwabatsile a re bana ba ba golelang mo tikologong e e ntseng jalo ga ba nke ba iketla mo moweng mme ebile ba supa seo ka go betsa ba bangwe kwa sekolong mme se se kgoreletse dithuto tsa bana. A re go santse go na le bana ba thubediwang mme se se ame bana fela thata mme se ame le dithuto tsa bone. Mme Barwabatsile o tlhalositse gore mo malwapeng mangwe, go lemotshega fa bana ba sala ba le nosi batsadi ba ile go nwa bojalwa mme se se ame kgodiso ya ngwana. A re selo se ba se bona mo boitsholong jwa bana kwa sekolong ka go nna tlhogo e thata kana batla ba na le dikgobalo dingwe. Fa a tswa la gagwe, kgosana ya Vaalhoek, Rre Paul Bock o boletse fa go santse go na le batho ba ba isang dikgang kwa go bone mme morago ba di boele morago ka mabaka a farologanyeng. A re seemo seo se a tshwenya ka gore morago yo o iteilweng o boa gape a itewa mme a boele gape kwa go kgosi. Ka jalo, a re ba ba tlang kwa go ene ba na le dikgobalo tse di masisi ba neelwa mapodisi go tlhotlhomisa. Go ya ka mogolwane wa ofisi ya bong, Mme Tsholofelo Kombani, dipatlisiso tsa Botswana National Relationships Survey di supa gore mo lekgolong, masome a mararo le bosupa ke bomme ba ba kgokgontshiwang ke bakapelo ba bone. A re kgaolo ya Kgalagadi Borwa e mo maemong a borataro mo go tsa kgokgontsho. A re dipatlisiso di supa fa bontsi jwa borre ba ba kgokgontshang go supagetse fa ba ne ba kile ba kgokgontshiwa fa ba sale ba botlana. crime_law_and_justice 1 Mopalamente o kopa banni go aga dikomiti tsa motse Mopalamente wa Goodhope-Mabule Rre Eric Molale o kopile banni ba kgaolo eo go tlotla le go aga dikomiti tsotlhe tsa motse kwa kgotleng. E rile a buisa phuthego ya kgotla bosheng kwa Pitsane, a tlhalosa fa ditlhabololo di sa tsamae sentle mo kgaolong ka go sa salwe tsamaiso morago. O tlhalositse fa go tloga bogologolo dikomiti tsotlhe tsa motse di ne di tlhophelwa kwa kgotleng. Rre Molale o kaile fa dikomiti di tshwana le ya ditlhabololo tsa motse, komiti ya botsogo, ya thuto, e e gokaganyang ditirelo mo motseng, le ya temo-thuo e le tsone tse di gogang motse. O tlhalositse fa go tlhophela dikomiti tse kwa ntle ga lekgotla go sa siama ka le ba bogosi fa gongwe ba sa rerisiwa. Rre Molale o supile fa puso ya Botswana e dumela mo morerong, mme a kopa banni go simolola go dira sengwe le sengwe sentle ka go tlhophela tsotlhe mo kgotleng mongwe le mongwe a le teng a bona gore go diragala eng. O tlhalositse fa a ikaeletse go bereka le morafe wa Barolong sentle mme a kopa gore ba bereke ka manontlhotlho le ene. Rre Molale o file sekai gore go bo go na le dingongora tse dintsi ke gone go tlhoka gore dikomiti di bo di bereka mmogo. O kaile gore fa dikomiti di ka bereka mmogo le bodirelapuso, se se ka fefosa ditlhabololo le gone go isa kgaolo kwa pele. O kopile gore ba itsese kgosi ka ditirelo le dikomiti tsotlhe tsa kgaolo. Kgosi Tiego Leshomo wa Pitsane o supile fa letlhoko la metsi e le kgwetlho e tona, mme a kaya fa a solofela fa mopalamente a tlaa ba thusa ka dikakanyo le gone go bona gore bothata jo bo fedisiwa jang. O akgotse mopalamente go ba tlhola fela ngwaga o simolola, a tlhalosa fa se se ba fa tsholofelo ya gore kgaolo e tlaa tlhabologa. politics 7 Khume o tlaa emela kgaolo ya Tutume Dikgosi tsa kgaolo ya Tutume di rometse Kgosi Rapelang Khuwe wa Marobela go ya go emela bogosi jwa kgaolo eo kwa ntlong ya dikgosi. Kgosi Khuwe o nnile mofenyi mo ditlhophong tse di neng di tshwerwe kwa Tutume bosheng tsa go tlhopha moemedi wa bogosi jwa kgaolo. Ditlhopho tseo tse di neng di tsamaisiwa ke molaodi wa kgaolo potlana ya Tutume, di ne di emetswe ke Kgosi Khuwe le Kgosi Rebagamang Rancholo wa Nata. Kgosi Rancholo yo o latlhegetsweng, a re bone ka palo ya dikgosi e le kwa tlase, tsamaiso eo e ba baya ka fa mosing ka jalo a kopa gore go fetolwe tsamaiso gore go kgone go fapaanelwa kemedi eo, ka fa e ka salwa morago ba metse ya Tutume ka palo ya bone e ntsi ba tlaa nna ba ba fekeetsa mme e nne bone ba ba nnang ba isa kgosi go emela kgaolo. Kgosi Jenamo Magapatona wa Tutume a re tlhopho ke sephiri ka jalo ga ba kake ba netefatsa gore dipalo tse ba di boneng ba a bo ba tlhophilwe ke batho ba ba tswang mo metseng eo. O tsweletse a re o akanya fa batho ba tlhopha motho ba lebile boleng le bokgoni jwa gagwe e seng gore ke wa letlhakore lefe. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Oletsositse Mosweu wa Dukwi yo o kileng a emela kgaolo kwa ntlong ya dikgosi, o ba kopile gore ba seka ba tsaya tlhopho eo jaaka ya sepolotiki ka e tlaa ba kgaoganya. Kgosi Mosweu o tsweletse a re e le magosi ke bone ba ba tlisang thitibalo mo lefatsheng ka jalo go botlhokwa go farologanya segosi le sepolotiki. O ba kopile go ema Kgosi Khuwe nokeng ka a emetse kgaolo ya bone. Molaodi wa kgaolo, Rre Michael Chilimba o akgotse dikgosi tseo go bo di tsamaisa ditlhopho sentle. A re fa e le gore bangwe ga ba itumelele tsamaiso eo ba na le tshwanelo ya go ka e fetola. Rre Chilimba o boletse fa a bone gore go na le digongwana mme a tsaya gore ke yone tsamaiso jalo o ne a ka seke a ba kganele ka fa ba dirang ka teng go tswa ka maina a bontlhopheng ba bone. politics 7 Kgwebo e tlhoka bopelotelele E rile bosheng, ba lekalana la Local Enterprise Authority (LEA) ba Masunga mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, ba bo ba rulagantse letsatsi la pitso ya bagwebi le ipapatso le le neng le tshwaretswe kwa motseng oo. Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA, beng ba dikgwebo ba ba neng ba akaretsa ba kgaolo ya Bokone Botlhaba le tikologo mmogo le kgaolo potlana ya Tutume, ba ne ba kaya fa letsatsi leo le le botlhokwa thata mo go bone ka le ba fa sebaka sa go kopana ba neelana maele a ka fa ba ka tsamaisang dikgwebo tsa bone ka teng le go utlwa dikgwetlho tse bangwe le bangwe ba kopanang natso mo dikgwebong tsa bone le gone gore ba kgona jang go itepatepanya le tsone. Ba re sengwe se se itumedisang ka letsatsi leo ke go bo ba kgona go tsaya malebela mo go ba bangwe mo dilong tse di farologaneng jaaka go baya ditlhwatlhwa tsa dithotho tsa bone, ba tlatsa ka gore gape bagwebi ba tswa foo ba rekisitse dithoto tsa bone e bile ba bone bareki ba basha. Le fa gontse jalo ba ne ba lela ka dikgwetlho di le mmalwa tse di akaretsang letlhoko la mmaraka, selo se ba reng se dira gore dikgwebo tsa bone di seka tsa dira jaaka ba solofetse. Mongwe wa bagwebi Mme Thandie Major wa dingwaga tse di masome a mabedi le borobabongwe, yo ene a inaakantseng le kgwebo ya go roka diaparo mo Masunga, o tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle le fa gone go na le dikgwetlho tse a kopanang le tsone. Mme Major a re o simolotse kgwebo ya gagwe ka 2012 morago ga go thusiwa ka madi ke ba lephata la banana ka fa tlase ga lenaneo la banana. E re le ntswa a boletse fa a kopana le dikgwetlho mo kgwebong ya gagwe, fela o kgothaditse Batswana ba ba sa direng sepe go dira maiteko a go inaakanya le mananeo a puso go bula dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone le go tlhamela ba bangwe mebereko, a tlhalosa fa mo nakong eno a na le babereki ba le babedi. O tsweletse a bolela fa kgwebo e tlhokana le motho yo o nang le maikemisetso e bile a le pelotelele, a tlhalosa fa go na le nako e kgwebo e tsholetsegang le nako e e welang tlase. A re ya gagwe kgwebo e wela tlase mo pakeng ya ngwaga o simologa, mme e dira sentle ka malatsi a boitapoloso. Mogwebi yo o dirang ditlatlana, mekgabisa le dibaga kwa motseng wa Mosojane Mme Kushatha Mazoko wa dingwaga tse di masome a mararo le boraro, le ene fela jaaka ba bangwe o tlhalositse fa letsatsi la go tshwana le leo le mo tswela mosola ka jaana a nna a bona bareki ba basha. Mme Mazoko a re e ne ya re ngogola ba tswa mo bokopanong jwa go tshwana le joo, a bonwa ke bangwe ba dikolo mme ba mo kopa go tla go rutuntsha bana. A tlhalosa fa a setse a kile a rutuntsha bana ba sekolo sa Pandangala Junior Secondary kwa Tutume, mme a le mo thulaganyong ya go ya go rutuntsha ba sekole se segolwane sa Francistown Senior Secondary. A re kgwebo ya gagwe e itebagantse le dilo tsa ngwao ka a ne a leka go tshegetsa serodumo sa ngwao ka jaana tautona wa ntlha wa lefatshe leno Sir Seretse Khama a kile a tlhagisa batho gore tshaba e e senang ngwao ke mo ka e latlhegileng. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Kgosi o rotloetsa mowa wa boja mmogo Kgosi Tatlhego Repheya wa kgotla ya Disana II o gwetlhile morafe wa gagwe go tshwaragana ba nna seopo sengwe go kgona go hema mathata a a ka tlhagang mo motseng wa bone. O buile se mo phuthegong ya gagwe ya ntlha morago ga go amogelwa semmuso bosheng.O dirile se ka go bitsa makalana a a amegang a tshwana le mokhanselara, ba sepodisi, mogokgo wa sekole se sebotlana sa Disana, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, baruti ba dikereke tse di mo Disana ga mmogo le ba kabo ditsha. Kgosi o ne a supa fa phuthego ya gagwe ya ntlha e le go itse botlhe ba ba nnang mo kgotleng ya gagwe le gore ba mo itse. A re se se ka thusa ka e kare go na le mathata golo gongwe go kuiwe mokgosi mme thuso e tswe teng. Kgosi Repheya a re mokhanselara, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ba tshwanetse go nna sekao mo morafeng ka go dirisana le go gata dikgato di le dingwe le ene, ka boraro jwa bone e le bone palamente ya motse. A re fa go ka tlhoka go nna le tshwaragano magareng ga bone ka boraro e le baeteledipele ba motse go ka baka gore batho ba Disana ba nne le dikgotlhang tse di feteletseng ga mmogo le gone go busetsa ditlhabololo kwa morago. Kgosi o ne a tlhalosetsa phuthego ya gagwe fa lefelo la kgotla jaanong ba setse ba le filwe ke ba lekgotla la kabo ditsha ka jalo ba gololesegile go dira ditlhabololo tse ba di batlang mo go lone. A re se se gwetlha morafe gore o ititeye ka thupana go bona gore ofisi ya kgotla e a agiwa ga mmogo le matlwana a boitiketso. O ile a kopa morafe go nna le mowa wa bojammogo ka go ithaopa go ntsha sengwe le sengwe se ba nang le sone, ga mmogo le tsone diatla go aga fa ba ka bolokang didirisiwa tsa kgotla le tsa komiti ya ditlhabololo teng. Go supa fa morafe o gatetse pele, kgosi o ne a tlhalosa fa Rre Keetile Phuthego a ntshitse madi a a kanang ka makgolo a mabedi a dipula mokhanselara Mme Boemo Rammuso a tsibogile ka go ntsha dikgetsi tse di lesome tsa semente le seokomelabagwe. A re baruti ba dikereke tse di mo Disana ba tshwanetse go ikwadisa gore go tlhomamisiwe gore di ka fa molaong. A tlatsa ka gore dirukutlhi dingwe di dirisa tsone dikereke tse di sa itsiweng go fitlha dilwana tsa bone mo teng, ka jalo fa dikereke tse di ka tlhomamisiwa go tlaa bo go fokodiwa le tsone dikgang tsa bogodu. O tlhalositse fa dikgato di tlaa tseelwa bao ba ba obamang fela e se ka fa molaong. Go iteela mafoko a gagwe moroko, Kgosi Repheya o ne a kopa morafe go tlotlana. A re fa go sena tlotlano fa gare ga morafe ga gona ka fa ba ka fenyang tseo tse di maswe ka teng, ka jalo morafe o tshwanetse go tshwaragana go kgona go isa Disana pele. society 9 Banni ba Orapa ba lebogela dipula Jaaka dipula tse di namagadi di tsweletse ka go gosomana lefatshe ka bophara, banni ba Orapa, ba eteletswe pele ke lekgotla la baruti le bogosi ba bone go le botlhokwa go lebogela ditshegofatso tse ka thapelo. E ne ya re bosheng, mo maitseboeng a Mopitlo a tlhola gane, lekgotla la baruti la tshwara merapelo mo kgotleng ya Orapa go leboga Ramasedi ka dipula tse di dirileng gore naga e apare kobo e tala le gone go tokafatsa seemo sa temo le matshelo a ditshidi tsotlhe ka kakaretso. Mogolwane wa lekgotla la baruti kwa Orapa, Moruti Mirriam Jaba, a re dipula tse di nang ka matsorotsoro di tlaa dira gore thobo e nametse le lone leruo le kgone go bona phulo. Dipula tse di dirile gore matshelo a Batswana a a ikaegileng ka temo le thuo a boele mo seemong le gone go tokafatsa seemo sa dijo mo lefatsheng leno. Moruti Jaba a re go botlhokwa go lebogela Ramasedi dipula tse di tsweletseng ka go kolobetsa lefatshe. O supile fa ngogola Batswana le dikereke ka go farologana ba ne ba ema ka dinao morago ga kopo ya ga Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama ya gore setshaba se rapele go kopa pula ka lefatshe le ne le phaphaletse. Moruti Jaba o ne a supa fa Batswana ba segofetse ka thapelo ya bone e ne ya phunyeletsa kwa magodimodimong. Mokhanselara wa kgaolwana ya Orapa, Rre Koketso Seloi, o lebogetse Tautona go bo a na le tebelopele le gone go rotloetsa setshaba go lemoga bogolo jwa Modimo; ka a ne a ntsha kopo ya gore go tshwarwe merapelo ya go kopa pula. Rre Seloi o tlhalositse fa pula e tsile ka nako e e siameng ka gore Botswana o ne a setse a phaphaletse e bile a tlhasetswe ke leuba. O supile fa thapelo e le botlhokwa ka e thusa gore tshaba e nne ka kagiso le go bona tse di molemo, a tlatsa ka go re ga go sepe se se ka siamang ntle le thapelo. Bokhutlo religion_and_belief 8 Modiri o abela bagodi Modiri wa lephata la diphologolo le makgabisa naga kwa Bobonong, Mme Keonyatse Kerobale, o abetse bagodi ba le masome a mabedi le bobedi ba Motlhabaneng megagolwane ga mmogo le go ba direla dijo tsa motshegare. Fa a bua kwa tirong eo, Mme Kerobale a re o na le dingwaga di le tlhano a ntse a abela setshaba mme a setse a abile kwa motseng wa Mathathane ngwaga o o fetileng kwa a neng a abela banalebogole. Mme Kerobale o supile fa tiro e ya gagwe ya go aba e le ya ngwaga le ngwaga e bile a sa kope dithuso mo go ope mme a dirisa madi a gagwe a a a amogelang mo pusong. A re o tsaya madi a gagwe a a a amogelang a kgwedi a ntse fela jalo mme a a lebaganye le tiro ya go direla setshaba se a se tlhopileng mme tiro e ya go aba a e tshwaraganetse le ba ofisi ya boipelego kwa motseng o a o tlhophileng go o abela. Fa a tswa la gagwe mmaboipelego kwa khanseleng ya Bobirwa, Mme Gaone Mapodise o kopile banni ba motse wa Motlhabaneng go amogela mpho eo ka lorato a re e supa fa Mme Kerobale a tshegeditse letshego la tshaba e e nang le kutlwelobotlhoko e bile e kgathala. Mme Mapodise a re bodiredi bo tshwanetse go nna karolo ya setshaba se ba direlang kwa go sone mme a leletsa mogolokwane tiro eo ya go abela bagodi. Mongwe wa ba ba abetsweng, Mme Talampe Molapisane le ene o ne a leboga tiro e ntle e e dirilweng ke Mme Kerobale a re mpho e e tswa mo boteng ja pelo ya gagwe, mme e bile ba amogetse mpho eo ka lorato. Fa Rre Joseph Madome a re Mme Kerobale o dirile tiro e e botlhokwa ya go gakologelwa bagodi ba motse wa Motlhabaneng. Rre Madome a re mpho eo e raya gore bagodi ba motse o ba tlaa bo ba kgabile ka megagolwane ka letsatsi la boipuso. politics 7 Mmaosha ke sekao sa bonatla mo tirong Mme Mmaosha Tuelo wa Bobonong ke mongwe wa Batswana ba ba nang le seabe mo go ageng le go tlhabolola lefatshe la Botswana. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, o supile fa a simolotse go direla motlobo wa dibuka mo Bobonong ka 1986 go fitlhelela ka 2014. Mme Mmaosha a re bobelotelele le go bereka ka natla ke gone go mo dirileng se a leng sone mo nakong eno ka a setse a kgona go dirisa maranyane a inthanete le dikhompiutara ntle le go ya sekoleng go di ithutela. O tlhalositse fa go bereka mo motlobong wa dibuka go tlhokana le lerato gammogo le boikobo ka tiro ya go bereka motho letsatsi le letsatsi e se motlhofo ka jalo e batla bopelotelele. Mme Mmaosha a re go dira mo motlobong wa dibuka go mo neetse lesedi la go ithuta go leba ditiragalo ka leitlho le le tseneletseng segolo jang ka gore mo nakong eno o setse a ithutile go kwala mainane. O supile fa a tsamaya mo dikoleng tse dipotlana go tlhabela bana ba lekwalo la ntlha dikinane le go ba ruta gore di raya eng. Mme Mmaosha o tlhalositse fa a le mo tseleng ya go kwala buka ya dikinane e a batlang gore e dirisiwe mo dikoleng tse dipotlana. A re maikaelelo a go kwala buka ya dikinane ke go somarela ngwao ya Setswana e e gomagomediwang ke go nyelela. O tsweletse ka go supa fa go direla mo motlobong wa dibuka go mo neetse sebaka sa go dira dipatlisiso le go ithuta ka ngwao ya Setswana segolo jang ya Sebirwa. A re ditlhopha tsa mmino wa Setswana di akaretsa Shumba Ratshega le Culture Spears di tswa mo diatleng tsa gagwe. O boletse gore morago ga go tlhama ditlhopha tseo, e ne ya re ka 2004 ditlhopha tseo tsa lalediwa go ya go emela lefatshe la Botswana kwa China. BOKHUTLO education 4 Nnang podimatseba! E re le ntswa e le pina ya malatsi otlhe gore batho ba nne podimatseba mo dirukutlhing tse di ba amogang ditsabone ba re ke baruti, bangwe ba santse ba wela ka lemena le. Ramapodisi a Maun, Superintendent Kenanao Badumetse, o boletse bosheng gore go na le bangwe ba ba itlhabang ka thipa mpeng ka go tswelela ba reetsa ba bo ba tsiediwa ke batho ba ba ipitsang baruti. A mapodisi a tshwenngwa ke ditiragalo tse, ka e bile motho fa a setse a tsieditswe, o ya go ikuela mme babelaelwa bone ba setse ba tsene ka lenga la seloko. Rre Badumetse a re o tsweletse ka go lekodisa makalana ka go farologana ka seemo sa borukutlhi mo kgaolong. A re o setse a biditse bogogi jwa motse go ntsha megopolo e e ka fokotsang seemo sa borukutlhi ka go farologana mo motseng wa Maun. A re morafe le one o tlaa nna le sebaka sa go biletswa pitso eo. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 YWCA e alosa baithuti Mokgatlho wa Young Women Christian Association (YWCA) o ne o tshwere moletlo wa kaloso. Go ne go abelwa baithuti ditlankana tsa ithutelo go thoma ditante le mekgabisa le phepafatso ya matlo. Fa a latlhela la gagwe, Mme Botho Gaeseitsiwe go tswa ofising ya mopalamente ya Selebi Phikwe Botlhaba, o ne a gakolola dialogane gore poifo Modimo ke tshimologo ya botlhale. Gape a tlhalosa gore motho wa mme ke thari ya setshaba. O ne a tswelelela gape are motho wa mme o bonwa ka bophepa. A gakolola dialogane go itirela leina ka go bereka ka botswapelo le bonokopila ka barutilwe maele le magokonyane a botshelo. O ne a kopa dialogane go tla go thusa mokgatlho o o mo isagong jaaka le bone o bathusitse. O ne a leboga bomme ba maloko a mokgatlho oo ka bannile basamarea ba ba molemo ka ba leka go ntsha banana ba ba sa berekeng mo mekgwatlheng. Mmababana Isabel Ndebele go tswa ko lephateng la banana o ne a gakolola dialogane go etela ofisi ya bone go ta go ithuta ka tsa thuso ya madi a banana. O ne a re ba thusa dikgwebo di tshwana le tsa thuo ya dikolobe, ditante tsa manyalo le tsa go apaa borotho go rekisa, jalo le jalo. O ne are madi a boa fela mo Selebi Phikwe a sa dirisiwe ka banana ga ba dirise lenaneo leo. Are kgaolo e filwe didikadike tse nne tsa dipula. Banana batsaa dipampiri tsa ikopelo ba bo ba sa di buse mo go ba baying mo mosing wa go akola lenaneo leo. O ne a gakolola banana gore fa ba busiwa go ya go baakanya dikopo tsa bone ba seka ba ela ruri mme ba kope thuso fa ba sa tlhaloganyeng teng. Mme Barbara Mosweu e le leloko la mokgatlho mo kgaolong ya bokone botlhaba ba le ko Francistown are, mokgatlho oo o simologile ka ngwaga wa 1962 o tswa lefatsheng la Aforika Borwa morago ga ntwa ya bobedi ya lefatshe. A re Mokgatlho oo one wa atlologela ko bokone ja Botswana. Are mokgatlho o ogwethilwe ke bana ba basetsana ka ba lebanwe ke dikgwetlho tsa go ima le go dirisiwa botlhaswa mo go ba tsenyang mo diphatseng tsa go ka tsenwa ke mogare wa HIV. Are ba ikgolagantse le lephatla la bong go lwa ntwa ya kgokgontsho molwapeng. One a tswelela are ba fitlheletse mangwe a maikaelelo a bone jaaka go aga dikolo tsa bananyana mo mafelong a farologanyeng. Kwa Francistown ba agile ntlwana ya ngwana o ruta ngwana (PACT), matlo a borobala a duelwang le lefelo le go rekisiwang dijo. BOKHUTLO education 4 Ba Maun ba rapela kgatlhanong le dikotsi tsa tsela Mookamela sepodisi sa Maun, Superintendent Motlhaba Ramaabya o kgothaditse bakgweetsi go nna kelotlhoko ka malatsi a Paseka. Superintendent Ramaabya o buile jaana kwa tirelong ya dithapelo kgatlhanong le dikotsi tsa tsela e e neng e rulagantswe ke Botswna Christian AIDS Intervention Programme (BOCAIP), Motor Vehicle Accident (MVA) Fund le lekgotla la dikereke kwa Maun ka Mosupologo. O tlhalositse fa malatsi a boikhutso a tshabelelwa ke go nna le dikotsi tsa tsela ka bakgweetsi le ba dikereke ba tsaya maeto. Superintendent Ramaabya a re go lemotshegile fa boitshwaro jwa bakgweesti e le jone tshoso e rweleng mo go bakeng dikotsi fa go tshwantshanngwa le seemo sa dikoloi le mabaka a mangwe. Ka jalo, Superintendent Ramaabya o gwetlhile bakgweetsi go tsamaya ka lebelo le le letlelesegang le go obamela matshwao a tsela. O gakolotse bakgweetsi gore ba emise go kgweetsa ba itshietse. Superintendent Ramaabya o tlhalositse gore go nnile le dikotsi tsa tsela di le lesome le bongwe ngogola, mme e nngwe mo go tsone e ne e le masisi le fa go ne go sena dintsho. A re palo eo e tshwana le ya dikotsi tse di gatisitsweng ngwagatlola. O gwetlhile badirisi ba tsela go fokotsa dikotsi le go tlhomamisa gore ga go nne le dintsho. Mogolwane wa MVA Fund kwa Maun, Rre Cecil Mosojane o tlhalositse fa lebaka la dithapelo e le go bo go lemogilwe fa dikotsi tsa tsela di diragala gantsi ka malatsia a Paseka. Rre Mosojane o gakolotse dikereke go rulaganya mesepele le go dira diteseletso tsa mosepele go sale nako go itsa go emela letsatsi la bofelo mo go bakang mosuke. O ne gape a re ba emise go tlala mo dikoloing. Fa a amogela batsena dithapelo, Kgosi ya Boseja, Reverend Kegaisamang Ramokwena o ne a gatelela fa boitsholo jo bo maleba e le jone mmangmang mo tseleng go hema dikotsi. Kgosi Ramokwena a re dithapelo di botlhokwa mme Modimo o ka seke a sireletse bakgweetsi ba ba kgweetsang makgwakgwa. O ne gape a gakolola bakgweetsi go fokotsa lebelo, a tlatsa ka go re Modimo o file batho ditlhaloganyo tse di gaisang tsa ditshidi tsotlhe gore ba dire se se tshwanetseng. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Kgosi o kopela morafe didiba Kgosi ya Omaweneno kwa kgaolong ya Kgalagadi, Rre Samuel Bimbo, a re e re le ntswa motse wa gagwe o lebanwe ke letlhoko la metsi lentswa go na le didiba tse di ntseng fela di sa dirisiwe. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Kgalagadi Borwa e bile e le mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Frans Westhuizen bosheng, Kgosi Bimbo a re motse wa gagwe ona le didiba di ka nna tlhano mme ga go sepe mo go tsone se se thusang morafe. A re ka puso e phuthulotse letsogo mo go thuseng banana go ba namola mo lehumeng, ba lebanwe ke dikgwetlho tsa go tlhoka fa ba nosang teng mo ba felelang ba siela leruo la bone mo malwapeng. Kgosi Bimbo a re gona le didiba ditshwana le sa matimela se se dirisiwang gangwe morago ga lebaka le sengwe se se kileng sa fiwa monana mongwe mme morago ba lephata la metsi ba se tsaya gore se nne ka fa tlase ga tlhokomelo ya bone, a re didiba dingwe di mo masimong a batho mme disa dirisiwe. Ka jalo Kgosi Bimbo are fa puso e ka ba utlwela botlhoko ya seka seka gore a banana ba ka seke ba ipope ditlhopha mme ba fiwa didiba gore ba di dirise, a tlatsa ka go supa fa ba koporase ya metsi le bone ba sa fe bao ba ba sielang leruo la bone metsi mo malapeng boroko. Fa tsibogela seo mogolwane go tswa ko go ba lephata lametsi Rre Lae Bachoni tiro ya lephata la gagwe ke go kwadisa le go okamela didiba gona le go siela batho metsi jaaka bontsi bo akanya. Rre Bachoni are gona le didiba tse dintse e seng fela mo motseng wa Omaweneno mme mo kgaolong ya Kgalagadi ka kakaretso tse disa kwadisiwang, ka jalo se ke sengwe se se dirang gore kabo ya didiba tse diseng mo tirisong e ba ketefalele. Are mabaka a gore e be gonale didiba tse dintsi tse disa kwadisiwang ke gore o fitlhela motho ana le didiba tse dintser mme a akanya gore fa a ka dikwadisa tsotlhe dingwe dika gapiwa ka jalo a kwadise se le sengwe. One a tlatsa ka gore bone ele lephata ga bana thata epe ya go gapela batho didiba mme sa bone ke go di kwadis ale go di okamela fela. Ka jalo one a kopa bao ba bas a kwadisang didiba tsa bone go dira jalo gore lephata le tle le itse gore gona le didiba kae dile kae gore ere fa ba seka seka gore ba ka aba jang didiba ba bob a itswe gore di kae le gone di kahe. Rre Bachoni o a tswelela ka gore sediba se Kgosis Bimbo a buang ka sone ke nnete o a se itse ibile ke nnete bane ba se tsaya go se tlhokomela, are sediba se sene sa nna seba se sa dirisiwe mme ba se tsa go se okamela. Are sediba sa matimela sone tiro ya son eke go nosa leruo la matimela. Fa a tswelela Rre Bachoni are gona le lenaneo le le tswetseng kgaolo ya kgalagadi la gore ka kgaolo eo e dira sentle fela thata mo go tsa thuo bato ba fiwe didiba tse ba tla mosang mo go tsone mme are o fitlhela batho ba ikwadisa ka bongwe ka bongwe, ka jalo are ga gona didiba tse di lekaneng go ka abela batho didiba ka bongwe ka bongwe. Are o rotloetsa batho segolo banana go ipopa ditlhophanya mme ba dire ikopelo are ke ka jalo fela fa kabo ya didiba e ka nna bonolo. society 9 Borre ba rotloediwa go ema bakapelo nokeng Borre ba rotloeditswe go tsaya boikarabelo mo go itlhatlhobeleng mogare wa HIV/AIDS le bakapelo ba bone fa ba itsholofetse, gammogo le go ba ema nokeng mo lenaneong la thibelo mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa leseeng (PMTCT). Se se builwe ke mothusa mogolwane wa lekalana la NACA, Rre Joseph Kefas kwa moletlong wa letsatsi la itlhatlhobelo mogare o o neng o tshwaretswe kwa Letlhakane ka Labotlhano (Tlhakole 13). Rre Kefas a re le ntswa dipatlisiso di supa fa dipalo tsa batho ba ba tsenwang ke mogare di wetse tlase, go na le mogare o o tsweletse o tsena Batswana, a tlatsa ka gore kgaolo ya potlana ya Boteti ke nngwe ya tse di di gogang ko pele mo kanamong ya mogare ka dipalo tse di supang 20.3% fa tsa Orapa e le 15.6%. A re maikaelelo a letsatsi le, ke go tsibosa borre ka botlhokwa ja go itlhatlhobela mogare le bakapelo ba bone, a supa fa mo ngwageng o o fetileng ba ne ba boloditse letsholo la go ruta batho ka lenaneo la go rotloetsa borre go itlhatlhoba le bakapelo ba bone mo kgaolong ya Boteti ka bophara. O tsweletse a re go supa fa borre mo Boteti ba santse ba le maoto a a tshupa selo se a reng se aname le lefatshe ka bophara, a tlatsa ka gore dipalo di supa gore mo go bomme b aba imileng ba le lekgolo, borre ba le bane fela ke bone ba ba itlhatlhoba le bakapelo ba bone. Rre Kefas o tlhalositse fa ba ne rutuntsha setshaba ka tsa botsogo mo dikokelong le dikokelwana tsa bone, le go tshwara letsholo la go ruta batho ka botlhokwa ja go itlhatlhoba le bakapelo ngwaga o o fetileng le a reng le ntshitse maduo a 14% fa go tshwantshiwa le a 4% a ngwaga wa 2013. A re lephata la botsogo le simolodisitse molawana wa go rotloetsa borre go tsaya karolo mo botsogong jab tlhakanelo dikobo le tsholo, o o letlang borre go tsamaya le bakapelo ba bone fa ba ya go tsaya tsa boiphemelo, go ikwadisetsa boimana le go ba ema nokeng ka nako ya pelegi. O tsweletse a re go nna maoto a tshupa ga borre mo go itlhatlhobeng le bakapelo go a tshwenya ka jalo ntwa kgatlhanong le mogare wa HIV e ka se fenngwe ntleng le go tsaya karolo mo go tletseng ga borre. A re rre yo o nang le boikarabelo key o o emang nokeng mosadi le lolwapa la gagwe, a tlatsa ka gore basadi ba ba fiwa kemo nokeng e e tseneletseng ba nna le maduo a a ko godimo mo lenaneong la thibelo mogare go tswa kwa mmangwaneng go ya kwa leseeng. Rre Kefas a re lefatshe la Botswana ke lengwe la mafatshe a tlhabologang la ntlha go fa diritibatsi tsa mogare wa HIV/AIDS le lenaneo la PMTCT mahala.Mogolwane mo go tsa thibelo mogare mme Bagele Nalebomo a re ba tsweletse ka lenaneo la bone la go rotloetsa borre go tsaya kgato go tsenelela lenaneo la PMTCT le bomme ba bone gammogo le go itlhatlhobela mogare wa HIV/AIDS le bone. A re go na le dipilisi tse di tlhabolotsweng tse di fiwang bomme b aba itsholofetseng b aba nang le mogare. Mme Nalebomo a re ba tshwenngwa ke go fitlha boimana ga bomme, mo go dirang gore ba seka ba kgona go tsenelela lenaneo la PMTCT, a tlatsa ka go rotloetsa bomme go ikwadisetsa boimana ka dikgwedi tsa ntlha gore bat le ba kgone go tsenelela mananeo sentle. health 6 Motovac e isa ditlamelo kwa setshabeng Batho ba Tsabong le metse e e mabapi ba iteetse legofi lebentlele la Motovac go bo le butse madirelo a lone a ntlha mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa kwa Tsabong. Fa a amogela morafe le ba Motovac ka Labotlhano, Kgosi David Toto II wa Tsabong o tlhalosise fa banni ba sa bo lo go sokola ka lobaka ka ba ne ba lebaganwe ke kgwetlho e tona ya go latela ditirelo tsa lebentlele le kwa ditoropong. O boletse fa ba leboga ebile ba itumeletse pulo ya lebentlele, a re ga e a tlisa ditlhabololo fela mme e tla ba fokoletsa mosepele le ditlhwatlhwa tsa go duelela mesepele go latela ditirelo kgakala. Fa a rola semmuso mafoko a pulo ya lebentlele, mothusa mokwaledi wa khansele ya Borwa, Rre Boysie Mabengano o tlhalositse fa ba amogela lebentlele le ka atla tsoo pedi. O tlhalositse fa banni ba ne ba babalelwa ke go latela ditirelo tsa lebentlele kwa Jwaneng le Gaborone mme se, se ba turela. A re go bulwa ga lebentlele go tsisa boitumelo ka go tlaa thusa go fokotsa letlhoko la ditiro ka a dumela fa le tla thapa banni ba motse wa Tsabong le e mabapi. O gakolotse banni go rotloetsa ditirelo tsa lebentlele le go le dirisa ka le agetswe bone. Fa a tlhalosa maitlamo a Motorvac, moemedi wa khamphani e mo Botswana Rre Samir Patel o boletse fa a itumetse go bo ba bone lefelo le ba tlaa direlang mo go lone mo kgaolong e. O tlhalositse fa ba ne ba dira dipatlisiso mme ba itemogela fa kgaolo ya Kgalagadi e na le letlhoko le le tona la marekisetso a ditshipi tsa dikoloi mme ba tla ka mogopolo wa go bula lebentlele mo kgaolong e. Rre Patel o boletse fa ba ikaelela go thapa banni ba Tsabong le metse e mabapi e le tsela nngwe ya go fokotsa letlhoko la ditiro mo kgaolong e. O boletse fa ba butse marekisetso a le mmalwa mo lefatsheng leno e bile ba a thapile bana ba Batswana ba le mmalwa e le tsela ya go lebogela Batswana lorato le thotloetso e ba e fiwang ke lefatshe leno. Rre Patel o solofeditse banni gore o tlaa bula diphatlha tsa mebereko mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa di le lesome le boraro fa mo nakong ya gompieno ba setse ba thapile ba le supa. O ne a rurifaletsa banni ba ba nnang kgakala le Tsabong gore ba tla isediwa dithoto tsa bone kwa mafelong a bone ntle le go ba lopa dituelo dipe. Mo potsolotsong le mongwe wa bareki Rre Botie Villander o supile fa ba ne ba babaletswe ke mosepele wa go ya Jwaneng le Gaborone go ya go batla ditirelo tsa lebenkele le. O rotloeditse banni go akola ditirelo tsa lebentlele le, e bile a re le tlaa fokotsa letlhoko la ditiro mo motseng wa bone. Bokhutlo society 9 Tautona o akgoletswe kago ya diofisi Kgosi ya Maubelo kwa Kgalagadi, Kgosi Setlhare Lorekang, o galeditse tautona wa lefatshe leno ka kago ya ofisi ya kgotla ya motse wa gagwe morago ga go tsaya lebaka di ise di agiwe. Kgosi o buile se bosheng mo letsatsing la pulo semmuso la kgotla eo jaaka a ne a amogela baeng mo kgotleng. O ne a tlhalosa fa motse oo o tlhomamisitswe go nna motse ka ngwaga wa 1993, fa kgotla e simolotse go sekisa ka 1985. Kgosi Lorekang o supile fa kago ya diofisi e ne e tshwanetse go dirwa ka ngwaga ya 2004 mme ga nna le tiego ee neng ya ba gwetlha gore e re fa tautona Lft General Seretse khama Ian Khama a etetse motse wa Tsabong ba lelela mo go ene ba kopa kago ya ofisi eo, mme a mo popotha legetlha go bo a reeditse selelo sa bone jaaka e le moeteledipele wa tlhwatlhwa. O ne a tlhomamisetsa batsena moletlo oo fa ba tla dirisisa diofisi tse di lopileng madi aa kanang ka P1,608,745.00 tse di agilweng ka lenaneo la ipelegeng, tse di nang le dikammore di leng thataro di akaretsa mabeelo a dirisiwa, ya boapelo le matlo a boithomelo a le mabedi ba tla di dirisa ka manontlhotlho ka go di tlhokomela ka nako tsotlhe. Le ntswa ba itumeletse kago ya ofisi le morafe wa gagwe Kgosi o ne ba kopa dithuso tse di akaretsang dibalama makgolo koloi le tse dingwe tse di ka seo se ka thusa mo go ba direleng tiro motlhofo mo go thuseng setshaba ka natla. Sebui sa tlotla sa letsatsi leo mookamedi wa banka ya Barclys Mme Renettee Van Der Merwe o ne a kaya fa kgotla e le botlhokwa ka e le yone e yone ee go rerisanwang, go buisana mo go yone mo tse di amang mo go tlhabololeng metse ya bone le gone go lere kagiso mo morafeng. Fa a bua ka tse di amang banka ya Barclys o ne a kaya fa maikaelelo magolo a bone e le banka eo e le go thusana le puso mo go tsenyeng letsogo tlhabololong ya morafe le setshaba ka kakaretso lefatsheng leno le gone go thusa mo go tshwakanyeng itsholelo eseng fela go ikaga ka diteemane. Mme Van Der Merwe o tlhomamamise se ka go supa fa banka ee a eteletseng pele e le yone fela ee ya bona go le botlhokwa go thusa banni ba ba mo kgaolong ya kgalagadi borwa go ba thusa mo polokong ya madi le dikamogelo go tokofatsa seemo ka pele ba ne ba dirisa sefofane go tla go thusa setshaba. Mookamemdi yo o wa banka ya Barclys wa motho mosweu ka letso o ne a fiwa dimpho le go apesiwa kobo ya magagolwane le tukwi ya setswana e le tsela nngwe ya go tlotlomatsa ngwao ya setswana. Rre Van Der Westruihuizen yo e ebileng gape e le mopalamente wa kgaolo ya kgalagadi o ne a supaa mo maetong a gagwe a go lekola dikgotla diofisi tsa kgotla ka bontsi mo lefatsheng dikago tsa tsone di se mo seemong se se siameng a kaya fa tse di gaufi le toropo ya Gaborone le di sa kgatlise. O ne a gwetlha makhanselara le badirelapuso ba ba nang le dithata go ema ka dinao ba tshwaragana ka go tsweledisa ditiro le ditlhabololo tsa kgaolo tse di saletseng kwa morago gore kgaolo ya kgalagadi borwa e tle e kgone go tlhabologa. Mothusatona Rre Van Der Westruihuizen o ne a itlama go thusa ka mpho ya go ba rekela dikhethene tsa ofisi ya ofisi ya kgotla ya Maubelo. Go le pele fa ntsha la gagwe modulasetilo wa paakanyetso moletlo oo Rre Dennies Mereyabone o ne a supa fa ba ne ba simololela fela mo legoeleleng, A kaya fa ba ne ba kgona go kokoanya madi aa kanang ka P17 000.00 a ba neng ba thusiwa ke batsadi ba motse oo le beng ba madirelo aa ikemetseng le ba bangwe aa e leng one a ba kgontshitseng gore letsatsi leo le atlege. Rre Mereyabone o ne a leboga badiri ba makgotla a setswana mo Tsabong le Maubelo morafe le setshaba ka kakaretso ka tshwaragano le tirisano mmogo a ba a ba kopa go tswelela ba dira jalo lemo nakong ee tlang. politics 7 Thuto le botlhokatsebe ga se tsoora mmogo Baithuti ba sekolo se segolwane sa Mahupu kwa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba ba thusiwang ke puso ba gwetlhilwe go tsaya maikarabelo ka bokamoso jwa bone ka go tlhagafalela dithuto le go iphapa mo go ikamanyeng le ditiro tsa botlhokatsebe. Raboipelego yo mogolwane kwa Takatokwane, Rre Gerald Mahumba, o buile se mo phuthegong e ba neng ba e rulagantse, go tlhatlhelela baithuti ka ditirelo tse ba ka di fitlhelang mo lephateng la boipelego, le go ba fa sebaka go ntsha maikutlo a bone mo go tsotlhe tse ba kopanang le tsone mo botshelong. A re e le ba ofisi ya boipelego ba itemogetse fa bana bangwe ba sa dire sentle mo dithutong tsa bone ka ba lebanwe ke dikgwetlho tse di farologanyeng di tshwana le kgokgontsho ya mo malwapeng, mme fela a ba gakolola go sa letlelela diemo tseo go phirimisa ditoro tsa bone. O ba gakolotse go tlhaloganya fa go golela mo diemong tse di thata di tshwana le bosiela, bohutsana lehuma le tse dingwe go ka seke go ba paledise go fitlhelela ditoro tsa bone tsa botshelo,mme a ba kgotlhatsa gore ba seka ba inyatsa le go itlhoboga go fitlhelela dikeletso tsa bone. O tlhalositse fa go sena ope yo o tsaletsweng go tshelela mo lehumeng a supa fa thuto e ka fedisa lehuma mo setshabeng. A re thuto ka bo yone e ka fetola seemo sa botshelo e bile ke boswa jo motho a ka sekeng a bo amogwa ke ope,mme a ba lemotsha gore se ba se dirang mo nakong eno ke sone se se tla agang bokamoso jwa bone. A re ka jaana go lemosegile fa bana ba ba golang ba sena batsadi ba lebanwe ke dikgwetlho tsa botshelo tse di farologanyeng go botlhokwa gore ka nako tsotlhe ba ikgolaganye le ba boipelego go kopa bogakolodi gore ba sidilwe maikutlo le gone go tswa ka maano a a ka thusang go fedisa dikgwetlho tseo. Go ntse go le foo, Rre Mahumba o ne a lemotsha baithuti fa ba tshwenyegile ka baithuti bangwe ba ba sa tlhokomeleng dithuso tse ba abelwang, mme a ba gakolola go emisa mokgwa a kaya fa puso e ba abela dithuso gore ba seka ba farologana le bana ba bangwe. A re go ima mmangwana a sale monnye ga go mo senyetse sekolo fela,mme gape ga go a siamela botsogo ka jaana mmele wa bo o ise o nne mo seemong se se siameng sa go tshegetsa boimana joo, e bile go mo tsenya mo diphatsheng tsa go iphitlhela a tsenwe ke mogare wa HIV, mme ka jalo a ba kgotlhatsa go ikgapha gotlhelele mo go tsa tlhakanelo dikobo. Morutabana wa tsa bogakolodi le tshidilo maikutlo kwa sekolong seo, Mme Dithapelo Boithatelo o ne a kopa baithuti go tlhaloganya fa puso e dirisa madimadi go ba rekela tse ba di tlhokang mo loetong la bone la thuto di tshwana le paka ya sekolo mme a ba gakolola go somarela dithuso tseo. society 9 Balekane ba Botswana ba supa kutlwelobotlhoko Setlhopha sa Balekane Ba Botswana se abetse kokelo ya Selebi Phikwe disupa ditshwantsho (television) tse pedi tse di lopileng P7100 ka letsatsi la ipelelo boipuso. Leloko la mokgatlho oo, Mme Kagiso Sedie o boletse mo potsolotsong gore e rile go lemoga fa sepatela se, se sena disupa ditshwantsho tse di lekaneng, bogolo jang mo mantwaneng a go robadiwang balwetse ba ba tsayang lebaka le le telele, ba ne ba bona go tshwanela gore ba dire pharologanyo. Mme Sedie a re balwetse le bone ba tlhoka ditlosa bodutu. A re fa go robatswang bana go ne go sena sesupa ditshwantsho mme seo se dira gore bana ba batle go tswa mo sepatela pele ga nako ka ba tlhwaafalela kwa malwapeng mme mpho ya television e tla fokotsa boithobogo joo. Mme Sedie o ne a supa fa mpho e tla thusa gore balwetse ba kgone go leba dikgang le tse di diragalang lefatshe ka bophara. Mmabontle le rrabontle ba setlhopha seo Mphoentle Paakanyo le Kanana Mapongo ba ba tla a emelang toropo ya Selebi Phkwe ka boipuso jwa 2016 ba re ba sale ba ikgobokanya ka 2014 e le balekane mme ba tla ka megopolo e e ka tsisang pharologanyo mo setshabeng mme ba tla ka wa go sela matlakala le go leba botlhoki mo sepatela. Ba re maikaelelo a bone ke go neela setshaba dithuso ngwaga o no le go feta ngwaga wa 2016 ka ele seabe sa bone le Batswana go ipelega le go thusa ba ba tlhokang kana fa puso e tlhaelang teng. Mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofho Molefi o ne a kopa setshaba sa Selebi Phikwe go boela kwa go Ramasedi ka thapelo ka gore kagiso le thokgamo di tswa kwa go ene. O ne gape a re lefatshe la Botswana ke boswa mme boipuso bo tshwanetse go abelwana gore dikokomane tsa lefatshe le, le tsone di tle di ikakole e bile di ikgantshe ka se ba se utlwang mo nakong ya gompieno. Letsatsi le ne la ketekwa ka bokgabane le natefisiwa ka mmino, poko le kapari ya setso mme bontsi jwa badiragatsi e le banana le tshologelo e ne e le e e nametsang. BOKHUTLO health 6 Kgosi Selotlego o bolokwa ka Matlhatso Kgosi Kgomotso Selotlego wa Ralekgetho o tlaa bolokwa ka Matlhatso kgwedi eno ya Tlhakole e tlhola malatsi a le masome a mabedi le boferabongwe kwa Ralekgetho. Mmuiledi wa ba lelwapa e bong kgaitsadia moswi Mme Maitoko Selotlego a re Kgosi Selotlego o tlhokafetse ka Labone kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome a mabedi morago ga go lwala ka bokhutshwane. Kgosi o tshotswe ka ngwaga wa 1959 kwa Kanye mo kgotleng yoora Selotlego. O berekile kwa komponeng ya Genrick kwa Jwaneng, a bo a nna mmaakanyi wa dikoloi gape e le molemi-morui. Morago o ne a bewa kgosi kwa Ralekgetho ka ngwaga wa 2009 a kopantse le temo-thuo, ditiro tse a tlhokafalang a ntse a di tshegeditse. O ne a tsena mo tseong e e boitshepo ka 1993 a bo a segofadiwa ka bana ba le batlhano; basimane ba le babedi le basetsana ba le bararo. Kgosi Selotlego o tlogela mosadi, bana ka botlhano, mogwe, bana ba bana ba le babedi le batsalwa le e ne ba le barataro; banna ba le babedi le basadi ba le bane. society 9 Banana ba UCCSA ba kokoanya madi E rile ka mafelo a beke banana ba kereke ya UCCSA kwa Serowe ba bo ba dirile mogwanto wa go kokoanyesta kereke eo madi. Fa a bua morago ga mogwanto oo, moeteledipele wa mokgatlho Mme Leteng Bommotse o tlhalositse fa ba bone go le mosola gore ba thuse bagolo ba kereke ya bone bogolo jang mokgatlho wa bomme go kokoanya madi a go tlhabolola kereke eo. Mme Bommotse a re fela jaaka maloko a kereke le bone ba bone go le botlhokwa gore ba nne le seabe mo ditlhabololong tsa kereke ya bone, a tlatsa ka gore madi a a kokoantsweng ao a tsile go thusa go aga holo le sekole sa bananyana. A re e re le ntswa mokgatlho wa bone o na le sebaka sa ngwaga fela mo kgaolong ba bone gore ba seka ba ipona tsapa mme ba simolole go dira gore mokgatlho o gole. Mme Bommotse a re ba ikaelela go godisa mokgatlho wa bone fela thata le go thusa e seng fela mo kerekeng le mo setshabeng ka kakaretso. O tlhalositse gore ba ikaelela go thusa thata ba-na-le bogole ba ba mo kerekeng ya bone le ba ba kwa ntle ka go ba dirile sengwe, a tlhalosa gore ba tla bo ba diretse mo-na-le bogole mongwe moletlo wa keresemose mo bogaufing. O kopile dikompone, mekgatlho le botlhe fela ba ba kgonang go ba thusa go tlhabolola kereke ya bone le go thusa mo setshabeng go tshwaragana le bone. A re fa botlhe ba ka tshwaragano go thusa go lwantsha lehuma, tsotlhe tse di sa siamang mo botshelong di ka fenngwa. Mogwanto oo, wa dikhilomithara di le lesome o ne o rulagantswe ke ba mokgatlho wa Young Adult Movement gone mo Serowe. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Dikgomo di tshwanetse go ja Omang Mookamela mapodisi a Middlepits, Superintendent Moses Chibamo o gakolotse barui go tshwaya, go tshuba le go jesa leruo la bone Omang ka go ka thusa thata mo go netefatseng gore ke la bone ka nako ya fa le utswilwe. Kgakololo e, e dirilwe mo potsolotsong bosheng morago ga gore ba begelwe kgang e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome a marataro go belaesegang a utswile kgomo ya yo mongwe wa dingwaga tse di masome a marataro le bone kwa Middlepits O tlhalositse gore fa bosupi jwa Omang le tshipi di le teng mo leruong, go motlhofo mo go ba sepodisi gore ba lebise babelaelwa molato, go na le gore le bo le tshubilwe fela. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Khansele e fedisa letlhoko la metsi Khansele potlana ya Bobirwae arabile selelo sa letlhoko la metsi sa baagiba Bobonongsegolo jang kwa dikgaolwaneng tsa Rasetimela le Phase 1, tse di nang le dingwaga di ntse di tlhaelelwa ke metsi. Khansele e goketse didiba di le pedi go thusa tse pedi tse di ntseng di sa kgonego nosamotse waBobonong otlhe. Modulasetilo wa khansele potlana ya Bobirwa, Rre Ishmael Legwaila, o tlhalositse fa khansele e goketse sediba se le sengwe kwa tankeng e e tlaa sielang baagi ba Rasetimela le Phase 1 gammogo le sekole se segolwane sa Matshekge. Rre Legwaila a re tanka e, e setse epompetswemetsi e bile e sa ntse e etswe tlhoko gore a ga e dutle, pele ga metsi a yone a ka sielwa setshaba. Modulasetilo a re sediba se sengwe se tlaa nosa motse wa Molalatau,o le one o ntseng o tlhaelelwa ke metsi fela thata. Rre Legwaila a re tiro ya sediba se se tlaa nosang motse wa Molalatau, ga e ise e fele. O tlhalositse fa letlhoko la metsi le tlaa ya bokhutlong kwa motseng wa Bobonong mo sebakeng sa kgwedi, fa tanka e e pompetsweng metsi e simolola go diriswa fa go ka supagala gore ga e dutle. Le fa go ntse jalo, Rre Legwaila o tlhalositse fa kago ya ditsela tsa motse wa Bobonong e e tlaa lopang P222 million e tsweletse sentle e bile e tla tsaya dingwaga tse tharo go wediwa. Rre Legwaila a re kompone a ZacConstruction e neetswetiro ya go aga ditsela tse. Modulasetilo wa khansele o tlhalositse fa kompone e setse e simolotse go baakanyetsa fa tsela e tsileng go fetateng e bile batho le dikompone tse di amilweng ke kago ya ditsela tse, ba setse ba duetswe ditshenyegelo. BOKHUTLO society 9 Tsogwane o gakolola ba Boteti go tlhopha mananeo sentle Tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slumber Tsogwane o gakolotse banni ba Boteti Bophirima gore fa ba tlhopha mananeo a ba batlang go a dira ka P10 million o o fiwang dikgaolo ba tlhophe a e leng letlhoko legolo la bone e seng dikgwebo. Tona Tsogwane o ba gakolotse jalo kwa diphuthegong tsa gagwe tsa malatsi a mabedi tse a neng a lekola morafe a bo a abela bagodi le bana ba masiela dikobo bosheng kwa kgaolong ya gagwe. Tona Tsogwane o abetse bagodi le bana ba masiela mo metseng ya kgaolo ya gagwe ya botlhophi e le lesome le bobedi dikobo di ka tshwara makgolo a mararo le masome a fera bongwe. O boletse fa e le mapalamente ba na le tshwanelo ya go gakolola morafe mo tirisong ya P10 million, a tlhalosa gore madi a ga se a dikgwebo, ke a mananeo a ditlhabololo tsa motse a tshwana le go baakanya dikago, ditsela le tse dingwe tse e leng letlhoko. A re madi a a diretswe go thusa go dira mananeo a a seng matona a e leng letlhoko legolo mo metseng ka go farologana, e seng dikgwebo tsa morafe tse e tlaa reng ka moso go bo go se na yo o arabelang madi a tsone ka e bile go na le dikgang tsa go jewa ga madi. E rile fa ba kgwa tona dikgaba le go lebogela dimpho ba supa fa e le selo se sentle go bo a ba lekola ka dinako tsotlhe. Ba ne gape ba mo akgolela go supa kutlwelobotlhoko ka go gakologelwa bagodi le bana ba masiela ka dimpho, ba re go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang. Banni ba Rakops, Mopipi, Toromoja, Xhumo le e mengwe ba ne ba lela ka letlhoko la metsi. Banni ba Mopipi bone ba ne ba supa fa seemo sa teng se le maswe ka banni bangwe ba anwa metsi mo dikhuting mme a sa siamela botsogo jwa bone. Ba ne gape ba lela ka tshenyo ya ditlou ko masimong ba re ba kopa gore terata e e kgaoganyang metse le diphologolo e baakanngwe. E rile a tsibogela dilelo tsa bone, tona Tsogwane a ba tlhalosetsa gore selelo sa bone sa metsi se gaufi le go nna kgang ya maloba ka jaaka puso e bonye madi kwa bankeng ya mafatshe ya World Bank a go dira lefelo le le tlhatswang metsi kwa Boteti. Tona Tsogwane o ne gape a ba tlhalosetsa fa terata e setse e simolotswe go dirwa ntlha ya kwa kgaolong ya Sokwane le Khumaga. O ne a tlhalosetsa banni ba metse e go dirwang terata kwa go yone gore terata ga e kake ya fudusa metse ya bone e bile ga e kake ya dirwa mo nokeng ka gore gompieno noka e a tshela. E rile a lebogela dimpho, modulasetilo wa khansele-potlana ya Boteti, Rre Molemi Galeragwe a leboga tona go bo a supile kutlwelobotlhoko ka go abela ba ba tlhokileng lesego dimpho. Rre Galeragwe o ne a kopa ba ba abetsweng dimpho go di amogela ka lerato, a re sejo sennye ga se fete molomo, a lemotsha ba ba sa bonang sepe gore le bone ba tlaa abelwa mo nakong e e tlang. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Madi a dikgaolo a tsisitse ditlhabololo kwa Serule le Gojwane Mookamela lephata la thuto go tswa kwa moding mo kgaolong ya Kgalagadi, Mme Maipelo Kesenye o gakolotse batsadi go tsaya boikarabelo mo go tlhomamiseng gore bana ba tsaya mekento ya itshireletso malwetse ka fa go tshwanetseng ka teng go simolola fela a sena go tsholwa. A re gape ba tshwanetse go ba isa kwa sekaleng kgwedi le kgwedi. O ntshitse kgakololo e mo tshidimolodisong ya beke ya mekento ya bana ya African Vaccine Week e e neng e tshwaretswe kwa kgotlengkgolo ya Tsabong ka Labobedi. Mme Kesenye o ne a tlhalosa fa tshireletsego ya ngwana e simologa fela kwa lwapeng ka go ilelwa go simologa fela ka boimana go fitlhelela mme a le mo botsetsing. O ne a supa fa go le botlhokwa go jesa ngwana dijo tse di siametseng mmele wa gagwe e bile a sireletsegile ka go kentelwa malwetse a a farologanyeng e le yone konokono mo kgolong ya ngwana yo o itekanetseng. Mme Kesenye o ne a tlhalosa fa setlhogo sa letsatsi leo sa Tshireletso ya Botlhe Tiro ya Mokento se le maleba. A re tshireletsego le tlhokomelo ya ngwana e simologa ka botlhe mme a gwetlha borabana go tshwaragana le bommabana, mongwe le mongwe le setshaba ka kakaretso go tlhomamisa gore ba aga motho wa motia yo o nang le boikarabelo mo isagong. Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo mooki e bile e le mogokaganyi wa tsa botsogo jwa setshaba Mme Veronicah Lesele o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go isa ngwana sekaleng kgwedi le kgwedi le gone go ela tlhoko gore a o tsaya mekento ya malwetse a a farologanyeng. O ne a supa fa lephata la botsogo mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa le tshwenngwa ke tlhaelo ya dikotla tsa bana le mekento ya tshireletso malwetse e bana bangwe ba sa e tseeng ka fa go tshwanetseng ka teng kwa dikokelwaneng. O ne a gakolola thata bommabana go amusa bana mashi a lebele mo sebakeng sa dikgwedi tse thataro ka le one a na le dikotla tse di siameng mo kgolong ya ngwana le gone go mo sireletsa mo malwetseng. Moeteledipele wa thibelo ya malwetse a bana mo kgalong ya Kgalagadi Borwa Mme Tootini Mackenzie o ne a tlhalosa fa ba botsogo ba ipeetse seelo sa 95 per cent lefatshe lotlhe sa bana ba ba tshwanetseng go kentelwa malwetse a a farologanyeng mme ba sa kgone go se fitlhelela ka mabaka a a farologanyeng. O boletse fa dikgwetlho tse di ba paledisang go tshwara seelo seo e le go tlhoka go tsisiwa sentle ga bana go ya go tsaya mekento kwa dikokelwaneng, motsamao wa batsadi le bana go ya merakeng, majakong kwa dipolasing kwa lefatsheng la Afrika Borwa, tlhaelo ya dikoloi go latela bana kwa ba leng teng le mabaka a mangwe. Mme Mackenzie o ne a tlatsa ka go gwetlha batsadi go ema ka dinao go tshwaragana le ba botsogo mo go netefatseng gore bana ba bone ba tsaya mekento ya thibelo malwetse ka fa go tshwanetseng ka teng ka seo se ka thusa mo kgolong ya ngwana e e eletsegang. society 9 Boitshwarelo bo tsisa kgololo Moruti wa kereke ya The First Church of St Peter mo Makopong, Rre Frank Mackenzie a re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a nne le mowa wa boitshwarelo ka o tsisa kgololosego mo go yo o diretsweng phoso le yo o e dirileng. Mackenzie o buile jaana kwa moketeng wa papolo ya Morena Jesu Keresete o o neng o tshwaretse kwa Makopong o o neng o phuthile diphutego tsa kereke e go tswa mafelong a a farologanyeng di akaretsa Afrika Borwa. Moruti o ne a tlhalosa fa go itshwarela mongwe ka wena go letlanya e bile go tsisa popagano, lorato, kagiso le tswelelopele, a afa sekai ka loso lwa Morena Jesu Keresete a re ke sekao sa gore Modimo o ne a itshwarela batho dibe tsa bone mme a ba fa lorato lo logolo a ntsha morwawe yo o tsetsweng a le esi go swela maleo a bone mo mokgorong. A re go mosola gore batho ba tsee malebela mo mmoping ba itshwarele bangwe ka bone fela jaaka mmopi a ne a ba itshwarela. Godimo ga moo o kaile fa mafoko a a boitshepo a Baebele a bolela fa Jesu a ne a re ‘ba itshwarele rara gonne ga ba itse se ba se dirang, a re se ke sekao sa gore boitshwarelo bo botlhokwa, ke sone se morekolodi Jesu le ene a neng a bo diragatsa. Rre Mackenzie o ne a tlhalosa fa boitshwarelo bo se mosola mo bathong fela mme le mo lefatsheng ka kakaretso bo le mosola, a re gore dilo tse di tlhabololang lefatshe ebong popagano, kagiso, bopelotlhomogi, kgathalo, neelano, therisano le lorato di rene go tlhokega gore go nne le mowa wa boitshwarelo. Moruti Mackenzie o kgadile go tlhoka go itshwarela a supa fa go thuba malwapa le manyalo gape a re go ka kgaoganya le lone lefatshe. O ne a tlhagisa baphuthegi fa go tlhoka go itshwarela gape go baka kilo, dipolaano le dintwa tse di ka bakang tshenyo e kgolo. Godimo ga moo o ne a tlhalosa fa se se kgoreletsa tswelelopele le ditlhabololo tse di kabong di diragaditswe fa go ne go na le popagano le kagiso e e tsisiwang ke mowa wa boitshwarelo. O ne a tlaleletsa ka go re dintsho le dikgobalo tse di bakwang ke go tlhoka go itshwarela di dira gore lefatshe le latlhegelwe ke baeteledipele le baitseanape, ka jalo a kopa phuthego go itshwarela a ba supegetsa fa Baebele le yone e bua gore go itshwarelanwe. Mokete o o ne o tshwere ka fa tlase ga setlhogo se se reng O Nkgopole fa o Tsena kwa Paradeising,” mme fa Moruti Mackenzie a tlhalosa mafoko a, o kaile fa e le temana e mo go yone modiramolato mongwe yo o neng a bapotswe jaaka Jeso a neng a ikuela mo go Jeso. A re se se ne se supa tshepho ya monna yo mo go Jesu Keresete gore ke morwa Modimo e bile ke ene tsela le boammaaruri ya go ya kwa bodulong jwa Modimo. O ne a tlhalosa fa se se raya gore fa motho a le mo dipharagobeng go botlhokwa gore a ikanye Jesu Motshwarelela Archibishop wa kereke e mo kgaolong ya Kgalagadi, Rre Andrew Kgaileng o ne a kopa baphuthegi go rapela gore ba nne le mowa wa boitshwarelo. Rre Kgaileng o ne a tlhalosa kobamo, kopelo le go letsa diphala mo moketeng o e le go ipelela loso lwa ga Jesu, a kaya fa mo go bone go supa phenyo mo diemong tsotlhe gonne Jesu o ne a fenya loso le lebitla, a tsoga morago ga malatsi a mararo. Kgosi Vincent Phologo wa Makopong o ne a galaletsa bokopano jo a re bo tsisitse tshokologo, kgololo le tsosologo mo meweng ya batho. O kaile fa thero e e rerwang e tlaa aga banni ba Makopong gore ba itshole ka boitshwaro jo bo molemo. BOPA religion_and_belief 8 Bobedi bo sekela bogodu jwa leruo Banna ba le babedi ba itshupile fa pele ga kgotla ya ga mmakasterata kwa Kaye tebang le molato wa bogodu jwa leruo. Bobedi joo, e bong Baatshwana Kesekang wa di ngwaga tse 31, a tlholega kwa kgotleng ya Kgwatleng kwa Kanye le Thatayaone Monaka wa di ngwaga tse 35 a tlholega kwa Mothala mo Kanye, ba lebisitswe molato wa go utswa dipodi dile lesome le bosupa ka kgwedi ya Hirikgong e tlhola malatsi ale lesome le botlhano ka ngwaga wa 2007, kwa merakeng ya Gampudi mo kgaolong ya Borwa. Dipodi tse tsotlhe e ne ele P300 nngwe le nngwe ya tsone, mme madi a tsone ya nna P5 100, tsotlhe eleng tsa ga Rre Kebonyemodisa Mothibi. Mo molatong wa bobedi, basekisiwa ba lebisitswe molato wa go utswa dipodi di le pedi le dinku di le tharo tsa kwa merakeng ya Motlhatseng mo kgaolong ya Borwa, tsa ga Gaokgakala Masilonyana, tse nngwe le nngwe ya tsone e neng e ka lopa P500 mme fa di kopane di ka dira P2 700. Bobedi jo gape bo lebisitswe molato wa boraro wa go utswa leruo la madi a selekanyo sa P2 300 la ga Kebatshabile Motsumi, kwa kgotleng ya Kgwakgwe. Mo molatong o mongwe, e rile ka kgwedi ya Moranang e tlhola malatsi ale masome mabedi le bone kwa merakeng ya Motlhatseng mo kgaolong ya Borwa ba utswa dipodi dile masome a mabedi le bongwe tsa madi a selekanyo sa P9 550 tsa ga Thato Khuto. Go ntse go le foo, e ne yare ka kgwedi ya Hirikgong e tlhola lesome le boraro kwa masimong a Mohelo mo kgaolong ya Borwa, ba utswa dipodi dile lesome le bone tsa madi a P5 050 tsaga Lebogang Baikgantsi. Madi otlhe a leruo le le utswilweng ke P24 700 mme dipodi tsotlhe tse di utswilweng ke bobedi joo ke masome a matlhano le boferabongwe le dinku dile nne. Mo molatong o, puso e emetswe ke Sub-Inspector Pogiso Toteng wa sepodise sa Sejelo mo Kanye. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Nare e bonwe kwa Maun Banni ba Maun ba gakolotswe go nna podimatseba ka jaana diphologolo tse di borai di saila mo motseng ka ntlha ya dipula tse di sa tswang go tshologa ka bokete. Kgakololo e e dirilwe ke mothusa modulasetilo wa khansele ya Bokone Bophirima, Rre Lathang Molonda mo phuthegong ya khansele e e tsweletseng. O boletse fa ba lephata la diphologolo ba boletse fa bosheng go ne ga bonwa nare mo kgaolwaneng ya Sedie gone mo Maun mme ga e a baka tshenyo epe le fa e le dikgobalo. Rre Molonda o tlhalosiste fa diphologolo tseo di saila jaana di batla phulo. Mo pegong ya modualasetilo wa khansele, go boletswe fa dinare tse pedi di bolailwe kwa zone 2c fa e le nngwe e ne ya busediwa kwa zone 16 mme di supa tsa anwa phefo. E re dikgang di eme jalo, makhanselara mangwe a ne a lela ka tshenyo e e bakilweng ke dipula tse di bokete tsa bosheng mme ba kopa khansele go tsibogela seemo se ba reng ga se jese diwelang. Ba re e re le ntswa ba lebogela pula ka jaana e okeditse metsi mo nokeng ya Thamalakane e e neng e gomagomediwa ke go kgala, sebe sa phiri ke gore e tlogetse bangwe ba iphotlhere ka ntlha ya merwalela. Ba ne ba ntsha dikai tsa tshenyo di tshwana le go epega ga ditsela, ba supa fa seemo seo se baya matshelo a badirisi mo diphatseng. Tshenyo e nngwe ke ya matlo a borutelo le a boroko a barutabana le banni bangwe mo mafelong ka go farologana mo kgaolong. Makhanselara a ne a amogela pego ka tsoo-pedi ba re e gobokile dikgang tse di botlhokwa tse di buang ka matshelo a batho ba kgaolo. Mokhanselara wa Etsha 13/Jao, Rre Dikoro Ngunga o ne a isa malebo kwa pusong a re seemo sa go ajwa ga dipilisi tsa di-ARV go tokafetse ka jaana di bonwa ka nako. A re seo se a itumedisa ka jaana matshelo a batho a tlaa babalesega. Rre Oabilwe Chombo wa Sankoyo/Shorobe ene o ne a lebogela maiteko a koporase ya metsi a re ba epile didiba di le pedi tse di tlaa rarabololang selelo sa tlhaelo ya metsi mo kgaolong ya gagwe. O ne a supa matshwenyego ka kokelwana ya Sankoyo a re e nnye mme a batla go itse gore a komiti ya ditlhabololo tsa motse e ka dirisa lenaneo la SHHA go e atolosa. Bontsi jwa makhanselara bo ne jwa kopa puso go tsibogela bolwetse jwa lethobo jo bo anameng le kgaolo ba re bo tlaa humanegisa barui ka jaana le bolaya leruo. Ba re le ntswa ba lebogela maiteko a khamphani ya SKL e e neng ya aba ditipi tsa madi a a ka tshwarang P30 000 go lwantsha seemo se, ba re seo ga se a lekana mme ba gatelela gore puso e tshwanetse ya dira sengwe ka jaana seemo seo e le sebetso sa tlholego. BOKHUTLO health 6 Popagano ya bagwebi ke konokono Bagwebi ba ba botlana ba tshwanetse go ikitaya ka thupana, ka go dira mmogo, go lepalepana le seemo sa phadisano e e kwa godimo go tswa mo mabenkeleng a matona le dithoto tse di tswang kwa mafatsheng a mangwe. Moemedi wa lekalana la Local Enterprise Authority (LEA), Mme Boikhutso Komanyane, o boletse jalo kwa moletlong wa go keteka letsatsi la barekisi mo kgaolong ya Borwa Botlhaba bosheng. Mme Komanayane o boletse gore beng ba dikgwebo ba ikopanye go amogana megopolo, ba bo ba bone gore dikgwebo tsa bone di ka atlega jang. O boletse fa kgwebo e na le dikgwetlho tse di amang bagwebi ba ba botlana bogolo thata ba Batswana. Mme Komanyane o ne a ba tlhagisa gore fa ba sa itshware sentle, ba tlaa latlhegelwa ke bareki. A re ka jalo go botlhokwa go ntsha ditirelo tsa boleng jo bo kwa godimo, ka nako le madi a a dumalanweng. Mothusa mokwaledi wa khansele ya Borwa Botlhaba, Mme Tshepo Kebakile, a re maikaelelo a kopano eo ke go rotloetsa theko ya dilwana tsa mo gae. Mme Kebakile a re kopano eo gape e ne e tshwaretswe go bapatsa dithoto tse di dirilweng ka thulaganyo ya nyeletso lehuma le go rotloetsa setshaba, puso le makalana a a ikemetseng ka nosi go tshwara ka thata mo go diragatseng ditiro tse di neelang batho dithata tsa itsholelo. Rre Tshekiso Sorinyane, modulasetilo wa khansele, a re ka malatsi ao a ipapaptso khansele e kgona go kanoka bagwebi ba ba botlana sentle kgwedi le kgwedi. A re ba lemogile gore bontsi jwa dikgwebo tse dipotlana di a phutlhama ka go bo beng ba tsone ba sena kitso e e kalo ya go di tsamaisatsa. Rre Sorinyane o ne a rotloetsa bagwebi ba ba botlana go tlhwaafalela dikgwebo tsa bone gore di gole di atlege. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Lephata le tshwenngwa ke tlhaelo ya dingaka Tona wa Lephata la Botsogo, Mme Dorcas Makgato, a re puso e tshwaraganye le go tla ka tharabololo ya seemo sa tlhaelo ya dingaka ka go dira maiteko a go okela dingaka mo lefatsheng leno. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama kwa Kotolaname ka Labone, Tona Makgato a supa fa seemo sa go tlhaela ga dingaka e sa ntse e le kgwetlho e e lebaneng lefatshe leno ka jaana ba dira fela ka dingaka di le 996 kgatlhanong le 2 000 yo lephata le mo tlhokang. Tona Makgato o tlhalositse fa mo nakong eno ba thusiwa ke gore ba ikaegile ka thulaganyo e e tlamang dingaka tse di fetsang dikole go nna lebaka la dingwaga tse pedi pele ga ba ka akanya go tlogela puso. Mme Makgato o ne a bua jaana go tsibogela matshwenyego a modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Keneetswe Shianyana, gore ga ba sa tlhole ba bona thuso ya ngaka jaaka go ne gontse Mabapi le boikueleo jwa go katolosiwa ga kokelwana ya motse, tona a re seemo sa nako eno se sa ntse se sa letle gore e ka godisiwa ka ntlha ya dipalo tsa motse tse di sa ntseng di le kwa tlase. Tautona Khama o supile matshwenyego ka go senngwa ga mafaratlhatlha a beMobile a a thusang ditlhaeletsanyong. O gakolotse morafe fa e le boikarabelo jwa bone go nna badisa ba dithoto tsa puso tse di thusang go tlhabolola matshelo a bone. Le fa go ntse jalo Tautona o solofeditse go reka didirisiwa tse di ka thusang go busetsa seemo mo mannong mme a laela morafe go tlhomamisa tlhokomelesego ka jaana go se sepe se se ka dirwang go thusa fa di ka senngwa gape. Matshwenyego a molemi wa kgaolo eo Rre Manthe a gore lekgotla la kabo ditsha le kgoreletsa maiteko a gagwe a go tokafatsa seemo sa temo mo kgaolong eo ka go gana go mo abela lefatshe, tona Prince Maele o tlhalositse fa kgang ya molemi yoo e sena tharabololo mo go bone ka jaana go le thata go ka mo abela lefatshe la diekere di le 150 mo godimo ga tse 21 tse a setseng a di lema mo nakong eno. Rre Tuelonyana Tsiane o kopile gore go tsibogelwe thulaganyo ya go oketsa dikotshekara tse di ka thusang go rwala bana ba sekole ba masimo a mosokotso go ya kwa sekoleng sa Lephaleng go fokotsa metsamao ya sekgala sa dikhilomithara di feta lesome le metso e mebedi ya go ya le go bowa kwa sekoleng. Le fa go ntse jalo tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae Rre Slumber Tsogwane, o solofeditse fa khansele ya Mokwena e tshwere thulaganyo eo sentle le gore go tlaa rekwa tse dingwe di ka tshwara 15 mme kgaolwana ya Mosokotso e bone sele sengwe. Tona a re thulaganyo ya theko e diilwe ke puisanyo ya ditlhwatlhwa tse di kwa godimo le barekisi. Mabapi le matshwenyego a batho ba Mosokotso ka matshosetsi a go ntshiwa mo lefelong leo ke lekgotla la kabo ditsha la Molepolole, tona Maele o supile fa thulaganyo eo e tlaa nama e boetswe morago ka tsholofelo ya gore tharabololo ya yone e tlaa lerwe ke go akarediwa ga lefelo leo mo lenaneong la moalo wa lenaneo la ditlhabolo tsa Molepolole ka go abela batho ba lefelo leo ba le 40 ditsha. Tona wa lephata la meepo kgotetso le ditswammung Rre Kitso Mokaila o solofeditse go tsibogela kgang e mo go yone mosadi le monna erileng mo ngwageng o fetileng ba bolawa ke motlakase kwa motseng oo morago ga gore ngwana wa baswi Rre Phemele Thebeyame a kope thuso ka jaana ba koporase ya motlakase ba ikgatholositse tharabololo ya kgang eo. Kgosi wa Kotolaname Rre Mogokedi Letlhokwa mo mafokong a kamogelo o lebogetse thata gore motse wa gagwe o goketswe motlakase mme a supa fa a tshwenngwa ke gore ofisi ya gagwe e saletse morago, ntlha e e neng ya dira gore a bone tsholofetso mo go tona Tsogwane. Motse wa Kotolaname fela jaaka mafelo a mangwe a lefatshe leno, o akotse thulaganyo ya ga Tautona ya go abelwa metse dilo di tshwana dintshwana ditilo, dikobo go abela batlhoki dibaebele tse di amogetsweng ke moemedi wa baruti ba dikereke tsa dikgaolo tseo le kapari ya metshameko e e amogetsweng ke mopalamenete wa kgaolo mo boemong ja ditlhopha tsa kgwele ya dinao tsa kgaolo eo. health 6 Kago ya Eloi e butswe kwa Palapye Mokwaledi wa ofisi ya ga Tautona, Rre Carter Morupisi, a re o tshwenngwa ke dikereke tse di fetogileng mafelo a dikgwebo, e le gone kwa batho ba tsiediwang teng ka go tseelwa madi. Rre Morupisi o buile jalo fa a ne a bula kereke ya Eloi Chirstian kwa Palapye ka bofelo jwa beke. A re setshaba se tshwanetse sa tlhaloganya gore kereke ke lefelo le le kgethegileng le le tlhokang go tsamaisiwa ka monontlhotlho le ka matsetseleko ka dinako tsotlhe. O ne a supa fa lefelo la kobamelo le tshwanelwa ke go nna le le phepa ka e le gone kwa e reng fa maikutlo a tlhakatlhakanye motho a bo a ka ikutlwa a gololesegile mo go lone go galaletsa Modimo ka tshosologo. O ne a lebogela kereke ya Eloi gore e bo e bone botlhokwa jwa go dirisa mo ba go kgobokantseng go aga kereke e ntle mo Palapye. O ne a kopa gore seo e nne bokao jwa go okela maloko mo kerekeng ka maikaelelo a go aga setshaba. Rre Morupisi o ne gape a akgola moeteledipele wa Eloi, Moruti Simeon Rmosetlha yo o saleng a eteletse kereke eo ka 2006, a direla mo lefelo leo le lone ba le abetswe ka 2009 go sena kago ya tlhomamo go fitlhelela a tlhongwa moruti. Rre Morupisi o ne gape a lemoga seabe sa ga Bishop Jakoba Keiphile, yo e leng mookami mogolo wa kereke ya Eloi Chirstian mo Botswana, mme a re o lemoga sentle gore ke pilara e e tsweletseng ka go nonotsha le go tsenya mowa wa semowa le lerato la Modimo, ka go aga, go godisa, go rutuntsha le gone go nosetsa boitshwaro jwa se Modimo mo malokong. Rre Morupisi o ne a gatelela gape matshwenyego a gagwe ka fa dikereke jaanong di fetogileng batsietsi ba setshaba ka teng, mme a kopa bobedi joo go repedisa mowa oo go tswa mo bathong ba Modimo. A re Taotuna wa lefatshe leno o rata go bona kagiso e rena mo lefatshing leno, ka le itsiwe thata ka kagiso le tlhokgamo, ke sone se mo nakong eno dikereke di tsenngwang mo mererong le mo ditlhabololong tsa lefatshe leno ka go lemogilwe fa seabe sa tsone e le sa boleng jo bo kwa godimo. E ne ya re morago a gwetlha dikereke go inaakanya le mananeo a puso go itlhabolola le go tlhabolola maloko a dikereke tsa bone ka bongwe ka bongwe. O ile a re ba tsene mo diofising tsa puso ba itse se puso e se ba tsholetseng mo mananeong a mantsintsi a a teng. Rre Morupisi o ne a nna le sebaka sa go bua ka lenaneo la go rudisa itsholelo a re le tshotse go le gontsi segolo jang mo go tlhameleng Batswana ditiro le go rotloetsa tse di dirilweng mono gae. A re ke nako ya gore ba batle dikitso tse di ka ba tlhabololang go akola lenaneo leo. O ile gape a tsaya sebaka go gakologelwa Mme Elizabeth Mabogo yo o sa tlholeng a le mo botshelong yo e neng e le leloko la Eloi, le ba lelwapa la gagwe ka seabe sa bone mo kagong ya kereke eo. religion_and_belief 8 Moiseraela o kgothatsa barutabana Motshwarelela tona wa thuto le tlhabololo dikitso, Rre Moiseraela Goya, o kopile barutabana ba kgaolo ya Tsabong le ee mabapi gore ba dire ka natla go netehatsa gore ba ntsha maduo a mantle. O buile se mo bokopanong jwa gagwe le barutabana ba kgaolo ka Mosupologo kwa Tsabong. Tona o tsweletse ka gore puso e tshwentswe ke maduo a ngogola aa wetseng tlase hela thata lehatshe ka bophara ka jalo gole botlhokwa gore barutabana ba ititeye ka thupana go netehatsa gore maduo aa tokahadiwa. Rre Goya o boleletse barutabana gore loeto lwa gagwe kela hela gore atle go utlwa ka dikgwetlho tsa bone le gore ba akanya gore goka dirwa eng gore go siame. O tsweletse ka gore go botlhokwa gore barutabana ba bereke le batsadi gore batle ba ntshe maduo a mantle mo tirong ya bone. O tlhalositse faa itse gore gona le dikgwetlho di tshwana le mathata a boroko le go duelelwa go bereka morago ga nako ee beilweng mme are go botlhokwa gore ere puso e santse e leka go rarabolola mathata ao bone abo ba tshwere ka thata go ntsha maduo aa itumedisang. A re se seka thusa puso le tshaba ya Botswana ka gore tshaba ee rutegileng eka iphema mo malwetsing le gone go intsha mo lehumeng tota. O buile gape a ba kopa gore ba berekisane le bagokgo ba dikole sentle ka gore haba sa dire jalo le gone goka digela maduo kwa tlase. E ne e rile gole pele mookamedi wa lephata la thuto mo Kgalagadi Rre Monare Lechiile are ere le ntswa dikolo ka bontsi maduo a tsone a wetse tlase, tse dingwe jaaka sa Lehututu le Rappelspan tsone di dirile sentle hela thata. Rre Lechiile o tlhalositse ha sekolo se segolwane sa Tsabong lesa Matsha di santse dina le tiro e ntsi hela thata yago itesanya borathana letse di kwa ditoropong. Fa ba tswa la bone barutabana ba boletse ha lephata le tshwanetse go emisa go hira batho baba ithutang tiro kwa dikgaolong mme ere ba sena go sugega abo ba tsewa ba isiwa kwa metse setoropong. Ba tsweletse ba lela ka letlhoko la dipagamo, go bereka dinako tsedi leele, go nnela ruri mo kgaolong le go ruta bana bale bantsi morutabana ale mongwe. Tona oba tlhaloseditse fa puso e leka ka thata go rarabolola mathata a mme bone ba tshwanetse go netehatsa gore thuto ya bana etla pele ebile keya maemo a ntlha. education 4 Ba IHS ba aba ntlwana ya matlakala Bana sekole sa ithutelo tsa booki ba abetse kokelwana ya Zoroga ntlwana ya matlakala. Fa a buwa ka nako ya kabo ya ntlwana eo, moithuti yo o eteletseng tiro eo pele, Rre Mokwele Mathews a re ba kgonne go fithelela maikaelelo a bone a go agela kokelwana ya motse wa Zoroga ntlwana ya matlakala ka thuso ya boithaopi jwa banni ba motse. O tlhalositse fa ba ne ba tlamega go aga ntlwana eo, ka bontsi jwa banni ba ne ba tshwenngwa ke matlakala a a tswang kokelong a a neng a kganelwa ke terata ya dikago mme bana ba nna ba tshameka ka one. A re batsadi ba supile fa go se na kwa ba ka latlhelang teng mabotlolo a melemo e ba thusiwang ka yone kwakokelwaneng. A re gape ba dirile matshwao mo motseng a ‘Se gase gase matlakala’, e le go supa fa banni ba tshwanetse go latlhela matlakala kwa go tswanetseng teng. A re se se tlaa dira gore matlakala otlhe a a tswang mo kokelwaneng, e bong didirisiwa tsa mo teng kana sepe fela se tswele kwa ntle ga kokelwana ka di ka nna borai mo bathong. O tlhalositse fa ntlwana e, e tlaa kganela gore banni ba Zoroga ba tsenwe ke malwetse ntlheng ya matlakala a didirisiwa tsa kokelwana. O rotloetsa banni go nna mo tikologong e e phepa ka dinako tsotlhe ka e le yone fela tsela e e ka ba thusang go itsa go tsenwa ke malwetse. BOKHUTLHO health 6 Mabaila o tlotlomatsa dikgosi Tautona wa bobedi, Sir Ketumile Masire, o akgoletse Rre Tshepo Mabaila wa Mabaila Foundation go lemoga boleng jwa dikgosi. Mokwaledi yo o faphegileng kwa ofising ya ga tautona wa bobedi, Rre Alfred Tlhoiwe ke ene a neng a bala molaetsa wa ga Sir Ketumile kwa kabong dietsele kwa Mogoditshane bosheng. A re dikgosi di tshwanetswe ke go lebogelwa seabe sa bone mo boipusong jwa lefatshe leno. Molaetsa wa ga Sir Ketumile wa re Mogoditshane o na le merafe ya dingwao tse di farologaneng mme a akgola dikgosi tseo go bo di kgonne go dirisana le batho ba ba agileng mo motseng oo sentle. A re o lebogela boineelo jwa bone mo tirong e ba e dirang ya letsatsi le letsatsi. Rre Mabaila ene a re o bone go tshwanela go lemoga boleng jwa dikgosi bogolo jang mo nakong eno e lefatshe la Botswana le ipelelang dingwaga tse di masome a matlhano le ipusa. A re go ba abela ditlankana tseo go tlaa dira gore ba dire ka natla ba tshwaragane le go gakologelwa gore ke bone ba tshwereng lefatshe leno. society 9 Go thokomologa leruo go ka rotoetsa bogodu Moruti William Sejakgomo wa kereke ya UCCSA kwa Molepolole o tlhalositse fa tshaba ya Botswana e tlhophilwe ke Modimo go lere kagiso mo go yone fela jaaka a ne a tlhopha tshaba ya Israel go e sireletsa. O buile se jaaka morafe wa Mokwena o ne o ipelela letsatsi la boipuso jwa dingwaga tse di masome matlhano le bobedi lefatshe la Botswana le ntse le ipusa gammogo le go tswalela kgwedi ya merapelo ka letsatsi la Tshipi. Moruti Sejakgomo o kaile fa Modimo a tlhophile tshaba ya Botswana go supa lorato mo go yone ga mmogo le nonofo le mautlwelobotlhoko a gagwe ka go e sireletsa jaaka a ne a sireletsa tshaba ya Israel ka go e golola kwa Egepeto. A re ditshaba ka bontsi di bona tshaba ya Botswana e le pharologanyo magareng ga ditshaba tse dingwe mme ka jalo a supa fa go le botlhokwa gore e re Batswana ba ipelela dingwaga tse di masome a matlhano le bobedi ba ntse ba ipusa ba bo ba leboga modimo ka tsotlhe tse a ba di diretseng. O tladitse ka go re go botlhokwa gore batho ba dirise malatsi a tshwana le la boipuso go tswelela ba kgothatsana go rapela Modimo e le tsela ya go ntshafatsa kgolagano le tumalano ya bone le modimo e leng ya kagiso le thitibalo mo lefatsheng, a re mo modimong boipuso bo supa gore re ikaegile ka ene go re isa pela. Moruti Sejakgomo o tlhalositse fa Modimo o bolokile tshaba ya Botswana, a e neela botlhale mme e le ka moo lefasthe leno le ipusang mo nakong eno. A re botlhe ba ba tlhomang matlho mo Modimong, nonofo ya bone e tlaa ntshafadiwa, a tlatsa ka gore bo tautona ba pele ba ne ba busa ka botlhale le thata ya Modimo. E re ka jaana boipuso jwa mono ngwaga bo ne bo ketekwa ka Tshipi, Kgosi Kgari III wa Bakwena o ne a tlhalosa fa go itumedisa gore dikereke ka go farologana di bo di phuthaganetse mo kgotleng go ipelela letsatsi leo e le bakeresete. A re o solofela gore padi le thero ka lefoko di tla tsena mo dipelong tsa morafe, mme seo se ba thuse go itharabologelwa gammogo le go itlhophela go sala modimo morago. Kgosi Kgari III a re letsatsi la boipuso le neela setshaba sebaka sa go itshekatsheka mo go tse ba di kgonneng gammogo le go bona tse ba ka di dirang mo isagong go tlhabolola lefatshe. Fa aq tswa la gagwe, mopalamente wa Molepolole Borwa, Dr Tlamelo Mmatli o ne a kaya fa boipuso e le letsatsi la go gakologelwa bontle jo Modimo a bo diretseng setshaba sa Botswana. O kaile fa boipuso e le nako e setshaba se ipaakanyang ka yone ka go bona tse ba di kgonneng mo ngwageng tse di masome a matlhano le bobedi tse di fetileng le go ya pele. Mopalamente Mmatli o kgothaditse Bakwena gore tsotlhe tse ba di dirang, ba di dire ba beile tshepo ya bone mo Modimong gore ba gatele pele. BOKHUTLO environment 5 Kapei ya borotho e tlodisa Moyo melatswana E re ka bopelotelele le lorato mo go se motho a se dirang di tsala katlego, Mme Sabina Moyo o inaakantse le kgwebo ya go apaya borotho ka fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma. Mme Moyo, yo o dingwaga di masome a matlhano le botlhano, o lotlegetse ba lekalana la Fa a sena go aloga mo dithutong tsa kapei ya borotho ka 2015, o ne a fiwa pitsa e e apayang borotho le kgetsi e le nngwe ya bopi go simolola tiro. Mme Moyo o tsweletse ka go tlhanasela mo kgwebong ya gagwe, mo a setseng a rekile pitsa ya bobedi go lepalepana le bokete jwa tiro. Ka 2016, a re o ne a nna lesego a fiwa tiro ya go apeela bana ba sekolo se se botlana dinkgwe di le masome a le marataro le bosupa. Le fa a dira a le mongwe, kgwebo e ntse e tsweletse, ka a supile lerato mo go yone go tswa kgakala le pele ga a thusiwa ka nyeletso lehuma. A re gangwe le gape o lekile go thapa badiri, mme ga seka ga kgonagala ka batho ba teng ba ne ba sena kgatlhego mo go tseneng mo kgwebong ya gagwe. Mme Moyo o apaya marotho ka mefuta ee farologanyeng jaaka mapakiwa, le dikuku. A re mo mosong fa a tsoga, o ikgakolola seane se se reng, nonyane ya motsoga pele e ja seboko se se nonneng. O tsweletse ka gore o tsoga ka makuku a naka tsa kgomo go duba borotho, gore ba ba yang ditirong ba fitlhele bo setse bo siame. A re bareki ba gagwe ba akaretsa maphata a puso le baagi ka kakaretso mo motseng. Mme Moyo o tlhalositse fa maduo a kgwebo ya gagwe a bonala ka a setse a kgonne go tlhabolola ntlo ya gagwe ya boroko, e bile o tlhokomela ngwana wa ga mmangwanagwe ka go mo tsenya sekolo ka madi a dipoelo. O tlhalositse gore le ntswa kgwebo e tsweletse sentle, kgwetlho e tona e a kopanang le yone ke gore ga ana mochini o o dubang borotho go tlhofofatsa tiro. O rotloeditse ba ba batlang go tsena mo kgwebong go nna pelotelele, a tlatsa ka gore mananeo a puso a mantsi mme a tlhoka badirisi. economy_business_and_finance 3 Molaodi o kgothatsa dikomiti tsa ditlhabololo go ithuta ka mananeo Molaodi wa kgaolo-potlana ya Serowe, Rre Charles Modise o kgothaditse maloko a dikomoti tsa ditlhabololo tsa metse go nna le kitso ka se se mo mananeong a ditlhabololo tsa metse ya bone. Rre Modise o buile jaana kwa phuthego e maikaelelo magolo a yone e neng e le go sekaseka mananeo a ditlhabololo tsa dikgaolo le dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse e e mo kgaolo ya Legare. Phuthego e gape e ne e le go tsaya megopolo le go itsaya motlhala ka tse di dumalanweng gore di tlaa dirwa. Fa ba akgela, baemedi ba dikomiti ba supile fa letlhoko la ditsela, matlo a boroko a badirela puso le tlhaelo ya matlwana a borutelo kwa dikoloeng e le dingwe tsa dilo tse di tshwanetseng go potlakelwa. Molaodi o tlhalositse fa ba bone go le maleba go dira tshekatsheko e ka go ba thusitse go lemoga tse di botlhokwa kwa metseng ya bone. O rotloeditse banni go nna le seabe mo go netefatseng gore ditlhabololo di a goroga kwa metseng. O ba kopile gape go phatlhalatsa molaetsa kwa banning ba metse ya bone mabapi le ditiro tsa ditlhabololo. politics 7 Barui ba tla a thusiwa Mothusa tona wa lephata la temo-thuo, Rre Kgotla Autlwetse a re ga go kitla go kgonagala gore lephata la gagwe le age kampa ya kgwediso ka seatla mo motseng mongwe le mongwe. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Dutlwe ka Labobedi, Rre Autlwetse a tlhalosa fa mo nakong ya gompieno go na le baithuti ba ba rutwang go gwedisa ka seatla kwa polaseng ya lephata leo kwa Ramatlabama. A re e tlaa re morago ga go fetsa dithuto tseo, baithuti bao ba tlaa bo ba ka kgona go thusa barui go ikgwedisetsa ka seatla mo dipolaseng le masaka a bone go na le go isa dikgomo tsa bone kwa dikampeng tsa kgwediso ka seatla. Rre Autlwetse o ne gape a kgothatsa balemi go iteka go gola mo temo-thuong ntle le go baya sengwe le sengwe mo pusong. O ne a tlhalosa fa e le keletso ya lephata la gagwe go bona balemi-barui ba lefatshe leno ba gola go tswa mo go ba ba jelang mo ganong go nna ba ba gwebang. Rre Autlwetse o ne a tlhalosa jaana morago ga gore modulasetilo wa komiti ya balemi ya motse wa Dutlwe, Rre Stephen Jakoba a supe fa ba tlhoka polase ya kgwediso ka seatla mo kgaolong ya bone ka jaana mo nakong ya gompieno ba gwedisa kgakala kwa Mabutsane. Rre Jakoba gape o ne a supa lesokolela ka balemi ba ba lemang bogolo jang ka dithuso tsa puso, mme e re morago ba phuaganye masimo a bone go siela kwa ipegeleng. A re se se dira gore masimo a bone e sale e le njo ya dikgomo mme madi a puso a tsene ka motlhobodika. Rre Jakoba o ne gape a lela ka tlhaelo ya dijo le melemo kwa marekisetsong a Botswana Agricultural Marketing Board. Molemi yo mongwe, Rre Geoffrey Tsheboyagae ene o ne a kopile tona go gwetlha puso go oketsa dithuso tse ba di fang balemi ba ba jelang mo ganong e le kgogedi ya go dira gore ba fatlhoge. Mo mafokong a kamogelo, Kgosi Motshegetsi Puleng wa motse oo o ne a lebogela mananeo a puso a a ka fa tlase ga lephata la temo-thuo, mme a re maswabi ke fela gore batho ba kgaolo ya gagwe ba a tsere ka boutsana. O ne gape a lela ka go tlhoka go tsenngwa leitlho ke bodiredi ga mananeo ao a puso morago ga go abelwa ba ba tshwanetseng. E rile ba tswa la bone, batho ma motse wa Dutlwe ga mmogo le ba Ditshegwane ba ne ba kopa gore melato ya borukutlhi ja leruo e gagamadiwe go gamola badira melato diphogwana ka jaanong go lebega ba tshwakgogile. Kgosi Puleng o ne a supa fa tiro ya ba sepodisi mo go lwantsheng bogodu jwa leruo e dirwa bokete ke morafe ka jaana fa gongwe o nna bosupi ka marago fa o tshwanetse go thusa mapodisi ka ditlhotlhomiso. A re se se ngomolang pelo le go feta ke gore mo makgethong a mangwe morafe o abo o thusitse dirukutlhi tse go utswa. crime_law_and_justice 1 Mapodisi a tlhotlhomisa leso la morutabana Mothusa Tona wa Banana, Metshameko le Tlhabololo Ngwao, Rre Dikgang Makgalemele, o kgothaditse dikereke go dira ka thata go lwantsha lehuma. O buile jalo fa a bula semmuso tirelo ee neng e tshwaetswe go ipelela ngwao le go tlotla kgosi kgolo wa Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III. Tirelo e ne e rulagantswe ke kereke ya Assemblies of God kwa Molepolole. Rre Makgalemele a re dikereke di ka tsibogela botlhoki mo phuthegong. “A re tsee boikarabelo go tlhomamisa gore mongwe le mongwe wa rona o itlama go tlhokomela lelwapa le le amilweng ke botlhoki pele re ka le ba kwa ntle, ka jaana bothata jwa botlhoki bo amile maloko mangwe a rona,” ga gakolola Rre Makgalemele. A re o ka itumela fa Molepolole a ka dirwa boremelelo jwa ditiro tsa ngwao, thulaganyo e a reng e tshwanetse go logelwa maano. O lebogetse Assemblies of God go thusa go godisa ngwao. Mothusa Tona Makgalemele o ne a lebogela kereke eo go lemoga botlhokwa jwa kgosi mo tsamamisong ya kereke le go itse fa e le ene moeteledipele wa ngwao. “Ke lebogela tshwaragano ya lona le kgosi kgolo, ka jaana go supa maikaelelo a magolo a go kopanya bogosi le morafe go ka fitlhelela tse di ka godisang serodumo sa motse wa mokwena”. Thulaganyo ya Assemblies of God e ne ya akaretsa go rapelela kgosi kgolo le mohumagadi Mmatumagole. Tiro e ne e eteletswe pele ke mabutswapele a kereke eo, a a neng a akaretsa Rev Dr Daniel Mogotsi, Rev Dr Samuel Makgaola ga mmogo le baruti ba diphuthego tsa Mokwena. Kereke e ne ya rola ditilo di le masome matlhano le bone go dirisiwa kwa kgotleng kgolo. Kgosi Kgari o ne a tlhalosa fa thulaganyo ya Assemblies of God, e mo rutile go sekaseka kgolagano ya gagwe le Modimo, ka e se selo sa tlwaelo bogolo jang se dirwa ke kereke. “Thulaganyo ya lona e nkgwetlhile go ya go sekaseka botshelo jwa me jwa sekeresete, go bona gore a ke mo tseleng ya bo Modimo, ka tsamaiso ya lelwapa le gone go direla setshaba se ke se eteletseng pele,” ga bua jalo kgosi kgolo. O ne a kopa dikere ka kakaretso go direla bangwe ka bone bomolemo le go godisa mokgwa wa go aba. Kgosi Kgari o solofeditse fa a tlaa dira gotlhe mo go mo thateng ya gagwe go ema nokeng maikaelelo a kereke go thusa go kokoanya madi a kago ya kereke ya Molepolole e e solofetsweng go lopa P15 million. Kereke ya Assemblies of God e na le maikaelelo a go aga ntlo ya kobamelo ya dikago tsa segompiemo go fetola tebego ya nako eno, e eneng ya dira ka lebaka ka fa tlase ga ga Reverend Mogotsi. Setlhopha sa ngwao sa Motlhaolosa se supile fa se itlamile go thusa kereke eo ka dithulaganyo tsa ngwao, nngwe ya tsone e le e tshwaetsweng go tshwarwa ka kgwedi ya Ngwanatsele. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Ngwana wa lesiela o tlhoka tlhokomelo Mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Okavango, Rre Tshepho Mogojwe a re bana ba masiela ba tshwanetse go tlhokomelwa le go fiwa lorato ga mmogo le go sidilwa maikutlo gore ba kgone go amogela diemo tse di thata. Fa a bua mo thuto sekadipuisanong ya malatsi a mabedi e e neng e tshwerwe ke ba lephata la tokafatso matshelo a batho le batlhokomedi ba bana ba masiela maabane kwa Shakawe, Rre Mogojwe a re ngwana ke motho yo o tlhokang go tshwarwa ka manontlhotlho. O ne a supa fa bana ba, ba na le mowa wa go itlhoboga mo go tlhakatlhakanyang ditlhaloganyo tsa bone mme ba felele ba dule mo tseleng . Le fa go ntse jalo, mothusa molaodi o supile matshwenyego tebang le batlhokomedi bangwe ba bana ba masiela ba ba rekisang dijo tsa bone ga mmogo le go nwa madi a teng bojalwa, a supa fa mokgwa oo e le go rontsha ngwana ditshwanelo tsa gagwe. A re batho ba na le go itebatsa fa seo e le molato o motho a ka o sekelang kgotsa a ya kgolegelong mme a gakolola bao ba ba dirang jalo go itshekatsheka. Rre Mogojwe o ne a kopa bommabana go ema bana ba masiela nokeng mo thutong ka kgaolo ya Okavango e saletse kwa morago gore ba tle ba kgone go itshetsa kamoso, a supa fa thuto e le yone mang mang mo botshelong jwa segompieno. Fa a mo kgwa dikgaba Rra-boipelego wa Gumare, Rre Tshireletso Mokoya a re ngwana wa lesiela o tshabelelwa ke dilo tse di tshesanyane ka a na le dikgwetlho tse dintsi tse di ka mo segang tsebe. O ne a supa fa lefelo le ngwana a golelang mo go lone jaaka kwa go rekisiwang majalwa teng le kgona go ama tlhaloganyo ya gagwe mme a felele a sa dire sentle mo dithutong tsa gagwe.O ne a supa gape fa go buisa ngwana mafoko a a botlha le dikgang tsa go lwela dijo ga mmogo le boswa mo lapeng go ama kgolo ya ngwana mo go dirang gore a tlhoke tsebe. Rre Mokoya o ne gape a supa fa dikgang tsa go lobela ngwana ka loso la motsadi wa gagwe go ka mo hutsafatsa nako e a lemogang ka jalo go le botlhokwa go bolelela ngwana go sa le nako gore a tle a kgone go amogela seemo. O tlhalositse fa dinako tse dingwe bothata bo a bo bo le mo batlhokomeding ba gotlhagotlhana ka botshelo jwa sesha jwa bana mme ba felele ba supile bana ka monwana. O ne a kopa batlhokomedi go tlhaloganya ditshwanelo tsa ngwana le maikarabelo a gagwe, a supa fa dinako tse dingwe botlhokatsebe jwa bone bo tlhotlhelediwa ke botsadi, a bolela fa ba tshwanetse go ba kaela, go ba gakolola le go nna pelo telele mo go bone. Fa a mo kgwa dikgaba, mmaboipelego wa Chukumucho, Mme Reetsang Johannes a re maikaelelo a thuto sekadipuisano eo ke go rutana ka tlhokomelo ya bana ba masiela, tshidilo maikutlo, dikgwetlho tse ba kopanang le tsone, ka fa ngwana a ka thusiwang ka teng nako e a tlhokafaletsweng ke batsadi le tse dingwe fela jalo tse di amang kgodiso ya ngwana wa lesiela. society 9 Bomme ba Kamo le Kamo ba abela ba-na-le bogole E rile bosheng bomme ba kereke ya Assemblies of God (Kamo le Kmo) ba abela ba-na-le bogole dikolotsana tse di dirisiwang go pega balwetse di le lesome le dithobane tse di ikokotlelang. E rile a bua mo bokopanong jwa ngwaga le ngwaga jwa bomme ba kereke eo, mothusa mokwaledi wa lephata la botsogo, Mme Ontlametse Mokopakgosi a bolela fa go le molemo go nna karolo ya go rola dimpho tseo go thusa ba-na-le bogole. Mme Mokopakgosi o boletse fa tiro eo ya go aba dimpho e le nngwe ya matshego a tebelopele ya 2016 a tshaba e e kgathalang e na le kutlwelo botlhoko. O tlhalositse fa puso e thusa batho ba ba tlhokileng lesego le ba ba sa kgoneng go itirela mme go le botlhokwa go e thusa ka e ka se kgone go dira jalo e le nosi. Mme Mokopakgosi o tlhalositse gore bogologolo ba-na-le bogole ba ne ba fitlhiwa mme mo nakong eno ba a bonwa ebile ba nna sentle le batho. A re go molemo gore batho botlhe ba ba nang le bogole ba fiwe lorato le go bona gore le bone ba tshwanelwa ke tsotlhe ka ke batho fela jaaka mongwe le mongwe. O boletse gore ba-na-le bogole ba na le dikgwetlho di akaretsa go tlhoka go ikamogela seemo mo go dirang gore ba seka ba kopakopana le batho motlhofo, seo se dire gore ba tlale tshakgalo go bo go nna bokete gore ba malwapa a bone ba tshele le bone. A re seemo se se tlhoka batho ba Modimo go ba ema nokeng go ba tsisetsa tsholofelo le gore ba ikamogele, a tlatsa ka gore go ba supetsa lorato go oketsa tsholofelo ya bone le kgolagano mo malwapeng le ba ba tshelang le bone e bile go tlisa lesedi le boitumelo mo go ba ba itlhobogileng. Mme Mokopakgosi o akgotse bomme ba kereke eo go bona go tshwanela go otlolola letsogo go thusa ba ba sa kgoneng. O boletse fa setlhogo sa letsatsi leo sa, “Go buseletsa bomme ba bogosi” se le botlhokwa e bile e le kgakololo gore setho se Modimo a se beileng mo mothong wa mme ke boitshoko le pelo ya lorato go belega ba ba tlhokang thuso. Mogolwane go tswa mo lephateng la matshelo a batho le tlhabololo ya metse go tswa kwa khanseleng ya Gaborone, Mme Milane Selwe o tlhalositse fa kereke e thusa puso fela thata e bile e le botlhokwa mo setshabeng ya Botswana ka e ema nokeng batho ba ba farologaneng. Mogolwane wa komiti ya bomme, Mme Tsholofelo Radimo o boletse fa kereke e tlisa tsholofelo le popagano mo setshabeng ka kakaretso. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Go thubega ga dikereke go tshwenya tona Mothusa tona wa lephata la botsogo Dr Alfred Madigele, o supile fa a tshwentswe ke dikereke tse di thubegang kgotsa di kgaogana e le ka mabaka a thoka kutwisisano. Dr Madigele o buile se, fa a ne a laleditswe ke ba kereke ya Holy Sardar Apostolic go tla go baya semmuso mobishopo mogolo (Arch Bishop) Rre Daniel Makgelane wa kereke ya bone kwa Mmathethe ka malatsi a paseka. O ne a tlhalosa fa puso e tshwenngwa ke dikereke tse di kgaoganang ka jaana di felela di baka gore go runye dikereke tse dingwe gape. A re puso e eletsa go bona dikereke di tsamaisiwa sentle, di sa thubege, ka jaana se, se tlaa itsa go timetsa balatedi le maloko a tsone. Mothusa tona yo e bileng e le mopalamente wa kgaolo ya Mmathethe – Molapowabojang a re fa dikereke di tsamaisiwa sentle, go nna le boitumelo mo malokong a tsone mme di tswelele go oka bontsi ja batho go nna seopo sengwe. A re go botlhokwa thata gore boeteledipele jwa dikereke bo tsamaise dikereke tsa bone go ya ka fa lefokong la Modimo, bogolo jang ka melawana e e lesome ya Modimo, ga mmogo le molao wa lefatshe go tila go lwana mo kerereng. Dr Madigele ka jalo o ne a mo kgothatsa go nna moeteledipele yo o boikobo, a le boingotlo, a sena boikgogomoso e bile a le tlotlo mo malokong a phuthego. Fa a tswa la gagwe, mobishopo mogolo yo o sa tswang go bewa Rre Makgelane, o ne a leboga thata segolo bogolo, Modimo yo o mo fileng thata le nonofo ya go tsweledisa boeteledipele jwa kereke. A re o na le tsholofelo e ntsi fa Modimo o tlaa mo fa maatla le nonofo ya go tsweledisa le go godisa kereke. Moruti Makgelane o ne a kopa maloko a kereke go tswelela ba tshwaragane ba le seopo sengwe go tila go kgaogana jaaka mopalamente a ne a gakolola. Fa a kgothatsa mobishop mogolo yo o sa tswang go bewa mo setilong, mobishopo mogolo wa kereke ya Word of Christ, Rre Moritha Thobogang, o ne a tlhalosa fa a itse e bile a na le tlhomamiso ya gore Rre Makgelane o beilwe mo setilong ke Modimo, ka jalo a tshwanelwa ke go tsweledisa tiro e Modimo a mmileditseng yone mo lefatsheng le mo kerekeng ya Holy Sarda. Mobishopo mogolo Makgelane, o bewa jaana mo maemong a, morago ga loso lwa mobishopo mogolo Rre Tom Gojammu ka ngwaga wa 2012. Fa a sedimosa kwa kereke e, e duleng teng, mokwaledi mogolo Rre Bafenyang Ngaka, o ne a tlhalosa fa kereke ya Holy Sarda e simologile kwa Aferika Borwa mme e simololwa ke Rre Tom Gojammu go tswa Mmathethe ka ngwaga wa 1963, fa a ne a direla kwa meepong. E ne ya re ka ngwaga wa 1967, Rre Gojammu a tla go simolodisa kereke eo kwa Mmathethe ka jaana e le gone kwa kereke kgolo ya maloko a mo Botswana, Aferika Borwa le Namibia a kopanelang teng. Mme e ne ya re ka ngwaga wa 1973, fa molao wa Botswana o laola dikereke gore di kwadisiwe semolao, kereke ya Holy Sarda ya kwadisiwa mme ya simolola go anama le Botswana. Kereke eo jaanong e na le maloko a ka tshwara 16 000. religion_and_belief 8 Metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balati Lorato, boitseanape, botswerere, bopelotelele le kelelelo ke tsone di tlhokafalang mo mothong go ka itirela ka diatla. Se se supilwe ke Mme Keetsemang Kebarorile yo o dirang mekgabisa ya diaparo. Mme yo wa dingwaga tse di masome a marataro le botlhano wa kgotla ya Phokela kwa Serowe o tlhalositse mo potsolotsong le BOPA fa a simolotse kgwebo e ka 2014. Ka go twe metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balati, ka go lemoga fa bomme ka bontsi ba dirisa mekgabisa e, mo ditseleng kwa dintshong le kwa manyalong, Mme Keetsemang a bona se e le motlhala wa go ka itshetsa, mme e bile o dira mekgabisa e a lebile mebala ya dikapari gore go nyalane. “Malatsi a kgwebo ke Labotlhano ka e le letsatsi le bontsi bo folosang manyalo kwa ga molaodi le Matlhatso kwa manyalong,” a tlhalosa. Mme Kebarorile a re ntswa motho yo mongwe a ne a ka nyatsa mogopolo o, seo ga se a ka sa mo kgoba marapo ka mekgabisa e mo fa phaletshe. “Ke itemogetse fa batho ba amogetse kgwebo ya me ka gore letsatsi la ntlha ke lekeleditse ka dithunya tse di masome mabedi mme tsa rekwa tsotlhe. Ka ititaya sehuba go gatela pele.” O ne a tlhalosa fa bontsi jwa batho ba ba bonang tiro ya gagwe ba tla ba mo rotloetsa ka go reka mantlenyane a. Mogwebi yo o patagantse kgwebo e ya mekgabisa le dikopelo le ya poleshe ya matlo e a e dirang ka dikupu tsa stasoft. Mme yo, a re ntswa go se bonolo go simolola kgwebo, seo ga se reye gore ba tshabele kgakala,. O tlhalosa fa mananeo a puso le one a le mantsi e bile a thusa ba-na-le megopolo go ba tlhamela ditiro le gore setshaba se itsose ka Motswana a boletse fa mokoduwe go tsosiwa o o itekang. Mme Kebarorile a rotloetsa Batswana go itirela megopolo ya bone a tlatsa ka go re ga go molato go kopa dikgakololo mo go ba ba nang le dikgwebo. O ne a rotloetsa Batswana ba ba nang le dikeletso tsa go simolola kgwebo e e tshwanang le ya gagwe gore ba seka ba itsapa ka e siame thata, bogolo jang ka a rekisa gongwe le gongwe. A re go le gantsi kgwebo e barotloetsi ba yone e leng basadi, e dira sentle ka borre ba rekela bomme ba bone, bomme ba ithekela, mme le bana ba kgona go ba rekela. Moreki wa dithunya tsa ga Kebarorile, Mme Maria Shadreck o ne a kaya fa a di rekile ka go farologana, di tsamaelana le kapari go tswa tlhogong go ya maotong. Mme Shadreck o ne a akgola kgwebo e ka e bile ba reka fela mo gae go na le go reka kwa mafatsheng a sele. Morotloetsi yo, o ne a tlhalosa fa bagwebi ba batona ba simolotse ka dikgwebo tse dipotlana. O ne a wetswa ka go leboga Mme Kebarorile ka maiteko a mantle a bo a mo eleletsa katlego le tswelelopele mo kgwebong ya gagwe. A re keletso ke go bona mogwebi yo a rekisetsa madirelo a matona mekgabisa e. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Balemi ba solofetse thobo e e nametsang Banni ba kgaolo potlana ya Okavango ba re ba na le tsholofelo ya gore ba tlaa nna le thobo e e botoka monongwaga morago ga gore pula e ne thata mo kgaolong ya bone. Kgosi Diteko Salapito o boletse fa ba ka nna ba roba mo go namagadi fa pula e ka tswelela ka go na. Kgosi o boletse jalo mo potsolotsong bosheng, a tlhalosa fa a itumetse go bo Modimo o arabile merapelo ya bone. A re pula e ntse e na mo dibekeng tse pedi mme e tla e kgaotsa, go neela batho sebaka sa go dira mo masimong a bone. Kgosi Salapito o tlhalositse gore balemi bangwe ba Okavango ba setse ba lemile masimo a bone fa ba bangwe ba sa ntse ba tshwere le go dira jalo. Le fa go ntse jalo, o boletse fa sekgoreletsi se setona ele tlhaelo ya diterekere. A re phulo le yone e tlaa tokafala mme seo se thuse diphologolo tsa naga le leruo. Mo dikgannyeng tse dingwe, o ne a bolela fa a tshwentswe ke gore balemi ba ne ba palelwa ke go lema ka gore ditonki tsa bone di letswe ke mopalo jaanong di sa kake tsa goga megoma ntateng ya leuba la ngogola. O ne a akgola balemi ba ba saleng ba lemile ka dipula tsa ntlha bogolo jang ba ba fa tlase ga letshitshi la noka, a re ba setse ba bile ba roba go rekisa thobo ya bone. A re mo kgaolong ya gagwe balemi ka bontsi ba lemile mmidi, bogolo thata kwa Gumare le mafelo a a gaufi, fa go simologa kwa Etsha go ya Shakawe le bontlha jo bongwe jwa molapo balemi ba tlwaetse go lema lebelebele. O ne gape a lebogela tautona wa lefatshe leno go bo a rotloetsa Batswana go rapelela pula. Rre Lepina Serara, mongwe wa bagolwane ba motse a re o lemile mme o solofetse go roba go le gontsi ka gore pula e nele. Rre Serara a re o ntse a rekisa mmidi go tswa mo tshimong ya gagwe mme o solofela go dira poelo ka go rekisa maphutshe. O boletse gape gore o solofela gore lehuma le tlaa fokotsega mo kgaolong eo ntateng ya thobo e e botoka e e solofetsweng. BOKHUTLO society 9 Komiti e kgothadiwa go dira ka natla Kgosi Mothibe Linchwe o rotloeditse komiti ya ditshupo tsa temo-thuo kwa kgaolong ya Kgatleng go dira ka natla le boineelo ka seo se ka ba kgontsha go ntsha maduo. E rile kgosi Mothibe a bua kwa moletlong wa dijo o o neng o itebagantse le go kokoanyetsa komiti eo madi kwa Pilane Traditional Resort bosheng, a kopa komiti eo go tsaya maikarabelo a yone ka tlhoafalo e itse fa e romilwe e bile e direla morafe. A re e le baeteledipele ba tshwanetse ba tsaya boikarabelo jwa go tsisa diphetogo mo ditshupong tsa temo-thuo, bogolo jang ka go tsere lobaka di se yo mme ke bone ba ka emang ka dinao ba tshwaragane le ba bangwe go busa serodumo sa ditshupo. Kgosi Mothibe o ne a ba lemotsha fa boithaopo e se selo se se motlhofo. A re ka jalo ba seka ba fela pelo ka gore tiro e ba e dirang e mosola fela thata mo setshabeng le mo morafeng wa Bakgatla. O ne a ba kgothatsa go ntsha dipego tse di maleba gore ba kgone go bona tswelelopele. Kgosi Mothibe a re mekgatlho ka bontsi e bolawa ke go tlhoka go tsaya boikarabelo jwa go ntsha dipego tse di maleba le go supa tiro ya bone gore ba ba tshwanetseng ba itse gore mokgatlho o ya kae. A re ditshupo di botlhokwa ka jaana di tshwaraganya balemi-barui e bile ba nna le sebaka sa go ithuta mo go ba bangwe ka jaana Setswana se re dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe. O ne a ba kopa gore ba dire tiro ya bone ka matsetseleko ba bo ba rerisane ka dinako tsotlhe gore ba bone kwa ba go yang. Monnasetilo wa komiti eo, Rre Naphtali Kaeparura a re maikaelelo a bone e le komiti ke go tosolosa serodumo sa ditshupo tsa temo-thuo mo Kgatleng. A re go setse go fetile dingwaga di le masome matlhano go se na ditshupo tsa maemo a ntlha mo kgaolong, ka jalo ba itlamile go dira ka natla ba tshwaragana le Bakgatla le maphata a puso go busetsa ditshupo tseo. E rile a afa malebogo, mopalamente wa Mochudi Bophirima, Rre Gilbert Mangole o ne a gatelela botlhokwa jwa go tsaya boikarabelo go direla setshaba ka tlhoafalo. Rre Mangole a re ba tshwanetse ba ntsha pego nako le nako gore ba bone motlhala wa tiro ya bone. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ba Tsabong ga ba itumele Banni ba Tsabong ba ngongoregetse gore batswakwa ke bone fela ba akolang peo ya dipolasi kwa kgaolong ya Kgalagadi borwa, go kgaphelwa baagi ba kgaolo eo ntle. Banni ba supile matshwenyego a bone mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke ba lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi. Ba kgadile ba sa kgale mathe ganong lekgotla leo ba re ga le sale morago molao wa kabo ya lefatshe ka ba baya ditsha tsa masimo gaufi le didiba le gore le didiba tsa bone ga di a katologana ka sekgala se se letlelesegang. Rre Tshipietsile Mothelesi o ne a ntsha mogopolo wa gore mongwe le mongwe a beelwe seelo sa gore a nne lebaka le le rileng pele ga a ka fetisetsa setsha mo go yo mongwe, e le tsela ya go fokotsa go rekisa ditsha. Rre Fedrick Cooper o ne a lebogela lekgotla la kabo disha ka go sedimosetsa morafe ka ditsamaiso tsa lone. Ba lekgotla la kabo ditsha la Tsabong ba ne ba supa fa ba tshwenngwa ke batho bangwe ba ba rekisang ditsha, le ba ba batlang go fiwa ditsha tse di fetang bongwe ntswa lefatshe le tlhaela. Leloko la lekgotla la kabo ditsha, Mme Segomotso Bahuma, o ne a tlhalosetsa morafe ka ditsamaiso dingwe tsa kabo ya lefatshe tse di fetotsweng. A re ditsamaiso tseo tsa go baya ditsha tsa bonno, masimo, didiba, dikgwebo, dikereke, le tse dingwe, di ama metse ya Tsabong, Logaganeng, Maubelo le e mengwe. O tsweletse ka go tlhalosa gore ditsha tse di tlaa bewang ka ditsamaiso tseo ke tse di segetsweng ruri ka lefatshe le setse le tlhaela, le gore motse o tle o lebege sentle mo isagong ka o setse o godile. O tlhalositse gore didiba di tshwanetse go katologana ka sekgala sa dikhilomithara di le thataro. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa mo nakong ya gompieno, mongwe le mongwe a tshwanelwa ke go nna le setsha sa bonno se le sengwe kwa ntle ga tlhalo kgotsa boswa. BOKHUTLO society 9 Mothusa tona o tshwenngwa ke beng ba dikonteraka Mothusa tona wa thuto e kgolwane, maranyane le dipatlisiso, e bile e le mopalamente wa Chobe, Rre Machana Shamukuni o kgadile a sa kgwe mathe boradikonteraka ba ba diang ditiro tse ba di neetsweng ka go di isa kwa makgotleng a ditsheko. Rre Shamukuni o buile jaana mo phuthegong e a neng a e tshwere le baeteledipele ba kgaolo ya gagwe mo Kasane bosheng. O ne a bolela fa a tshwentswe ke boradikonteraka ba ba abetsweng ditiro ke khansele mme e re ba sena go palelwa ke go diragatsa ditumalano ba bo ba tsaya dikgang ba di isa kwa makgotleng a ditsheko, a re seo se dia nako ya go diragatsa maitlamo a bone mo bathong. Rre Shamukuni o tlhalositse fa makgotla a ditsheko di tsaya nako e telele go rarabolola dikgang le go ntsha ditshwetso. “Ke kopa gore lona boradikonteraka le emise mokgwa o, le re diela go diragatsa maitlamo a rona kwa bathong, re kopile puso gore go gagamadiwe melao. Mme ke batla go le raya ke re fa le ka tswelela ka go dira jaana re tsile go kgaogana le lona mo isagong,” a tlhalosa. O ne a tswelela a bolelela baeteledipele gore puso e santse e kanoka maphata a yone ka go farologana, e le go sekaseka maikarabelo a ba a filweng. Baeteledipele le bone ba ne ba ntsha dingongorego tsa bone, mme ba supa fa ba tshwenngwa ke letlhoko la metsi kwa metseng e tshwana Mabele gareng e mengwe. Ba ne ba ngongorega gape ka ditsela tse di sa fediweng ka bonako e bile tse dingwe di tlogelwa di sa felelediwa. Fa a ntsha la gagwe, modulasetilio wa khansele ya Chobe, Rre Amos Mabuku a re ba tlaa tswelela ba ema nokeng mopalamente go isa Chobe kwa pele le go mo tlhabolola. Rre Mabuku a re Kasane ga a na lefatshe, mme keletso ya bone ke gore molao wa 1968 wa Forest Reserves o sekasekwe ka gore ke wa bogologolo ka nako e go neng go sena batho ba bantsi jaaka gompieno. O ne a tshephisa phuthego gore kokelo e ntsha e tlaa agwa. E ntse e le mo phuthegong eo, Rre Mabuku o ne a tlhalosa fa a itumeletse kgang ya mopalamente gore ba tlaa nna ba tshwara diphuthego tsa mofuta o morago ga dikgwedi tse tharo go rerisana le banni le boeteledipele jwa motse. politics 7 Re a-nyalana e atlegile kwa kgaolong ya Ghanzi Makhanselara a khansele ya Ghanzi a rotloeditswe go tsenya letsogo mo lenaneong la re a-nyalana gore le tswelele ka go atlega. Fa a bua le makhanselara a khansele ya Ghanzi ka Mosupologo, Tlhakole a tlhola masome mabedi le bone, molaodi wa Ghanzi Mme Tshepiso Leepo a re moono mogolo wa lenaneo la re a-nyalana ke go rotloetsa batho gore ba nyalane, e bile bone e le ba ga molaodi ba kgatlhegela thata ditshwanelo tsa batho ka a re bontsi jwa nako baratani ba babalelwa ke diemo tse o fitlhelanag ba ne ba nna mmogo ba kokotletsa mmogo,mme e re kwa morago fa mongwe wa bobedi joo a tlhokafala ba gabone moswi ba tle go amoga yo o salang dithoto Mma Leepo a re ba sala tsamaiso ya lenyalo morago. A re maina a pegiwa kwa ga molaodi fela jaaka e le molao wa lenyalo,a re ba sidila banyalani ba lenaneo la bone maikutlo gore ba ba tlhalosetse sentle gore fa ba tsena mo lenyalong jaana go raya eng. A re mo tikologong ya ntlha ya Re a-nyalana ba nyadisitse dinyalo di le 22 fa tse di lesome le boraro e le tsa Ghanzi mme tse di ferangbongwe di tswa New Xade. Selo se a reng se a nametsa mme a kopa makhanselara gore a rotloetse batho go ikwadisa mo lenaneong le. Mongwe wa bagolwane mo lenaneong le, Mme Dineo Swartz o ne a tlatsa mafoko a ga molaodi a tlhalosa gore lenyalo le ke la mongwe le mongwe ga se la batho ba ba humanegileng fela ke la mongwe le mongwe yo o batlang go tsena mo go lone mme a setse tsamaiso morago. Mme Swartz a re mo diemong tse dingwe ba kopana le batho ba re batsadi ba bone ke bone ba ba diileng go nyalana ka ba re ga ba batle ngwana wa bone a nyala kana a nyalwa ke motho wa letso le le rileng, mme a re motho wa go nna jalo o a akarediwa mo lenaneong mme go buisanngwe le botsadi pele. Mme Swartz a re tota bone ba kgatlhanong le bonyatsi ka a re le fa e le mo lefokong la Modimo bonyatsi ke boleo, ke ka moo ba rotloetsng lenaneo le gore batho ba tswe mo bonyatsing. Fa a araba kgang ya magadi Mma Leepo a Re a-nyalana e setse morago tsamaiso ya lenyalo la sekgoa fela. BOKHUTLO society 9 Lenaneo la Re a Nyalana le thusa go aga malwapa Mothusa Kgosi wa Mmathethe, Kgosi Reuben Mosala a re nyalo ya konokono ke e banyalani ba e tsenang ka kitso ya tshokolo ya bone le maikaelelo a go pataganela dikgwetlho tsa letlhoko. Fa a amogela baeng kwa moletlong wa Re a Nyalana kwa kgotleng ya Mmathethe bosheng, Kgosi Mosala o ne a tlhalosa fa nyalo ya lenaneo la Re a Nyalana e kopanya bakapelo ba ba sa gabang go ikgapela dithoto tsa yo mongwe ka jaana ba a bo ba bone go le botlhokwa go ikopanya mo botlhoking jwa bone. Kgosi o tlhagisitse fa bogadi e le go leboga e seng go duela mo nyalong mme a kgala go nyatsa nyalo ya mofuta o mabapi le gore ga e a ikokotlela ka magadi. Motlhami wa lenaneo la Re a Nyalana, Mme Anna Morwaagole o kaile fa maikaelelo a lenaneo le, e le go tsisa kagiso mo malwapeng. A re ntateng ya matshwenyego a serodumo sa lelwapa go ne ga bonala fa go le botlhokwa go thusa malwapa ka go tshereganyana bakapelo ka nyalo go nonotsha le go tsisa seriti mo go nneng mmogo ga bone. Mme Morwaagole o tlhagisitse fa nyalo ya Botswana e ketefalela batho ka e lopa madi le ditshenyegelo tse dintsi. A re lenyalo ga le a tshwanela go tura mme e bile dikoloto tsa lone di kgona go thuba malwapa. Mme Morwaagole a re nyalo ga e na tlhaolele, se se botlhokwa ke setlankana sa lenyalo ka e le sone mabuladikgoro. A re fa e sa le lenaneo le le simolola go nyadisa ka 2011, ga go ise go nne le tlhalano mo manyalong a a 4 700 a ba a nyadisitseng. Mothusa-molaodi wa kgaolo-potlana ya Good Hope, Mme Nametso Tatedi o tlhalositse fa nyalo e na le matshego a le matlhano e bong lorato, tshepho, tlotlo, therisanyo le neelano. A re fa banyalani ba itshegetsa ka matshego a, ba ka atlega mo nyalong. Mme Tatedi a re ba tshwenyega ka go thubega ga manyalo a segompieno a e leng gore basha ba a tsenelela ba lebile dithoto tsa yo mongwe. Mme Tatedi o tlhalositse fa banyanalani ba Re a Nyalana ba nyadisiwa ka nyalo ya sekgoa ke molaodi. Mokhanselara wa Mmathethe, Rre Samuel Morolong o ne a akgola banyadi. “Nyalo ke tshireletso ya dithoto tsa gago le bana ba gago ga mmogo le bana ba bana ba gago,” a tlhalosa. Rre Morolong o tlhalositse fa nyalo e itsa batsadi ba ga gabo monna kana mosadi go ikgagapelela dithoto fa yo mongwe a tlhokafala. Rre Kobamelo Nkemisang yo a neng a tsena mo nyalong le Mme Tapologo Nkemisang o supile fa a itumeletse lenaneo le. A re ga a bolo go tshela le mokapelo wa gagwe mme a sa kgone go mo nyala ntateng ya go tlhoka madi a tse nyalo e di tlhokang society 9 Monna o thudilwe ke koloi kwa Makopong Monna wa dingwaga tse di masome a matlhano le borataro o tlhokafetse morago ga go thulwa ke koloi kwa motseng wa Makopong mo kgaolong ya kgalagadi borwa. Motshwarelela mookamela mapodisi wa Werda Inspector Moarabeng Gaborone o tlhalositse mo potsolosong gore tiragalo e ba e begetswe ka Labone wa beke ee fetileng. Inspector Gaborone o tlhalositse fa monna yo o a thudilwe ke koloi ya modiro wa Toyota Hilux e e neng e tswa kwa Tsabong go ya Werda jaaka a ne a leka go kgabaganya tsela mo gare ga motse kwa Makopong. O tlhalositse gore morago ga go begelwa kotsi eo, mapodisi a ne a ragogela kwa tiragalo e diragetseng teng mme ba feta ba ragosetsa monna yoo kwa kokelwaneng ya Makopong kwa ba fitileng ba mo romela kwa sepateleng sa Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a tlhokafetse. Rre Gaborone are serepa sa moswi se sa ntse se le kwa setsidifatsing sa kokelo eo go tlhatlhojwa ke ba bongaka fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse mabapi le tiragalo eo. O boletse fa kgetsi eo e le ya ntlha go e gatisa mo ngwageng ono fa e sa le o simologa, mme o ne a kopa bakgweetsi go kweetsa ka kelotlhoko, go obamela matshwao a tsela le gone go kgweetsa ka lobelo le le kwa tlase ka nako tsotlhe bogolo jang fa gare motse go ipaakanyetsa go hema ditiragalo tsa mofuta oo. Inspector Gaborone a re e tla re mo bogaufing mokgweetsi wa koloi eo a itshupe fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata mme fa a ka bonwa molato o ka atlholwa madi aa sa feteng P10 000 kana kgolegelo ya dingwaga tse di seng kwa tlase ga ngwaga tse tlhano. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Thuto e ka fetola matshelo a magolegwa Mookamela Kgolegelo ya Mahalapye, Senior Superintendent Shakani Thani, a re go botlhokwa gore magolegwa a amogele thuto jaaka peo e e ka fetolang matshelo a bone morago ga go gololwa mo kgolegelong. Rre Thani o buile jaana kwa moletlong wa letsatsi la go bala le go kwala kwa Mahalapye, bosheng. Mogolwane o ne a re maikaelelo a letsatsi leo, e ne e le go rokotsa maikutlo le keletso ya thuto mo magolegweng, gore ba tsenelele dithuto. A re go a tshwanela gore e le badira melato ba lemosege mo setshabeng gore ba agegile, ‘mme e bile ba farologane le batho ba senang thuto.’ Mogolwane o gateletse gore go mo maruding a magolegwa gore ba fetole matshelo a bone ka thuto. “Mabaka mangwe a a le tsisitseng mo kgolegelong, a ka tswa a amana le tomagano le botsalano kwa malwapeng, bangwe le dirile diphoso ka kgatelelo ya balekane. Mme jaaka botsamaisi jwa melao, re dumela gore le santse le ka nna batho ba ba amogelesegang mo setshabeng, ka le agegile,” ga bua Rre Thani. O ba tlhaloseditse gore ntswa ba dirile diphoso, ba tshwanetse go itse gore ba santse ba tlhokwa ke setshaba. A re maiteko a letsatsi le tshwana le leo, ke gore e re ba le mo kgolegelong jaana, ba seka ba fetwa ke sepe se se diragalang mo lefatsheng ka gore thuto ke maatla. “Go botoka fa le ka tlhoka go itse ka mabentlele a a agilweng kwa Palapye, go na le go tlhoka go itse ka sekole sa BUIST, se se ka fetolang matshelo a lona, ka tota thuto e le maatla,” ga tlatsa Rre Thani. O ba rotloeditse go dirisa go tshwarwa ga bone jaaka mapalamelo a go phunyeletsa mo botshelong, gore ba nne le katlego, fa ba sena go gololwa mo kgolegelong. Mo godimo ga moo, o ba rotloeditse gape go nna banni ba lefatshe, ba ba kgonang go dira ditshwetso tse di maleba mo isagong. Mongwe wa magolegwa e bile gape e le moithuti, Mme Phatsimo Ijani, o rotloeditse bangwe ka ene go lemoga mosola wa thuto. Mme Ijani o akgotse setshaba se ba tswang kwa go sone, a re se na le lerato mo go bone. O ne gape a kopa magolegwa ka ene go nyorelwa la thuto, a re tse tsotlhe di simolola ka go bula pelo, a ba kopa gore ba tlhokomologe tse di kwa thoko mme ba iiphe lorato. “Lesang go letlelela tse di fetileng go le laola, le fa re le mo mathateng, a seka a re diela go akanya. Nako e re e nnang mo kgolegelong e re fa sebaka sa go aga bokamoso jwa rona sesha. Thuto ke boswa, ka jalo ke leboga barutabana ba ba berekang ka maatla go tlhomamisa gore ba re fa thuto,” ga tlatsa Mme Ijani. Leloko la komiti ya thuto Sergeant Onneile Lesetlhe a re ba ne ba itemogela gore maduo ga a kgatlhise, ke sone se ba neng ba tsenya ditlhogo go leka go bepisa seemo se. O supile gape gore ba ne ba netefatsa gore bangwe ba babereki ba ba nang le dithuto tse di maleba ba thusa go ruta baithuti ba. Ka jalo, o kopile maphata le ba-na-le seabe botlhe go thusa ka tse di tlhokafalang go ntsha maduo jaaka dibuka, dipena, kgotsa didirisiwa ka go farologana tsa thuto. A re makalana mangwe a atle a thuse, mme ga go a lekana. A re e le ba thuto ba leba bokgoni jo moithuti a nnang le jone mme ba mo kgaoganyetse dithuto sentle gore a kgone go dira sentle go na le go mo fa tiro e ntsi e e ka nnang bokete. Mo kgolegelong e, go na le magolegwa a a dirang ditiro tsa diatla, di tshwana le go betla, go roka, go baakanya dilwana tsa matlo, tse di ntshang maduo a mantle. Ditiro tse dingwe di akaretsa tsa temo-thuo, jaaka thuo ya dikgomo, dikoko le dinku, le go lema merogo e ba e ejeang. education 4 Twantsho masula e batla tshwaragano Baagi ba metse ya (BORAVAST) e leng Bokspits, Rapplespan Vaalhoek le Struizendam, ba na le seabe le setshaba ka kakaretso ba gwetlhilwe go ema ka dinao ba tshwaraganela go nyeletsa borukutlhi, petelelo le go tlhakanela dikobo le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga mo lefatsheng leno. Ba gwetlhilwe jalo ke modulasetilo wa khansele potlana Rre Sam Brooks a le sebui sa tlotla mo thuto puisanong kwa Bokspits bosheng. Rre Brooks o tlhalositse fa go tlhabologa ga lefatshe go godisitse borukutlhi, a re mapodisi a leka bojotlhe go tsaya tsia seemo se ka go bopa dikomiti tsa twantsho borukutli , dithutapuisano, le go gasa melaetsa ka diphuthego tsa kgotla, a supa fa ba ka kgona fela fa mongwe le mongwe a ka tsenya letsogo. O tlhalositse fa petelelo le tlhakanelo dikobo le bana ba ba dingwaga di kwa tlase thata di ntsifetse. O kaile fa go simologa ka ngwaga nwa 2008 go fitlha gompieno go begilwe dipetelelo tse tlhano le dikgang tsa tlhakanelo dikobo le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga di le pedi mo metseng ya tikologo eno. A re ba tswa setlhabelo ga ntsi ke bo mme ba ba felelang ba tshela ka botlhoko mo dipelong le poifo botshelo jotlhe. O kaile fa dikgang tsa mofuta o, tse dingwe batsadi ba di loba ba lebile gore ba atswiwe ka sengwe go na le gore modira molato a o lebisiwe a bo a isiwe kgolegelong. A re go dira jalo ke go gataka ditshwanelo tsa bana. Mogolwane wa mapodisi a e seng a seaparo kwa Kgalagadi Rre Daniel Moleseng o ne a supa fa dikgang tsa petelelo, dipolaano le tsa go tlhakanela dikobo le bana ba bannye di tshwenya thata lefatshe ka bophara. A re sebe sa phiri ke gore bontsi jwa dikgang tsa teng di felela di tsholotswe kwa mapodising ke bangongoregi. O ne a kopa borre go fetola maikutlo le dikakanyo le mokgwa wa go bolaya bakapelo ba bone fa lerato le fedile ka e se bokhutlo jwa botshelo. O ne a kopa batsadi go tlhokomela bana ba basetsanyana ka go ba fa dikgakololo ka go ka ba thusa le gone gore ba iphaphe mo go okweng ka madi ke borre gore ba ratane le bone. Fa a ba ema ka lefoko mookamedi wa mapodisi a kgalagadi senior supuritedent Masilo Motswri o ne a gwetlha mongwe le mongwe go ema ka dinao go fedisa borukutlhi, ka go ka thusa go fitlhelela lengwe la matshego a tebelopele ya vision 2016, le ba sepodisi ba itebagantseng le lone la “tshaba e e sireletsegileng e bile e babalesegile.’’ Rre Motswiri o ne a kopa bommabana ba basetsanyana go ela tlhoko diaparo tse ba di ba rekelang ka le tsone di na le seabe mo peteleong ka di rokotsa borre, ka gantsi di galalela e bile di le di khutshwane di sa bipe mebele ya bone. Mookamedi wa mapodisi a Kgalagadi o ne a kopa gape setshaba bogolo jang sa metse ya BORAVAST go ela tlhoko majalwa mangwe a go balaesegang a rokotsa motho go batla tlhakanelo dikobo le gore bomme ba itsheketsheke go fetola boitshwaro jwa bone le go tlogela mokgwa wa go iphitisa dino ka e le bone ba ba amegang gantsi mo dikgannye tsa petelelo.Bokhutlo crime_law_and_justice 1 WAR e kgala batsadi ba ba gwebang ka bana Mogokaganyi wa lekgotla la Women Against Rape (WAR) mo Maun, Mme Peggy Ramaphane o kgadile batsadi ba a reng ba dirisa bana go itshetsa. A re ba itemogetse fa mo Maun batsadi bangwe ba gweba ka bana, bogolo jang fa go na le mediro e metona ya setshaba jaaka dithuto-puisanyo, meletlo ya go ipela le tse dingwe. O supile jalo kwa thuto-puisanyong bosheng a re batsadi bao ba dirisa bana ba ba tsenang sekole ka jaana ba a bo ba itse gore bareki ba etla. A re se se ngomolang pelo ke gore batswasetlhabelo bao ga go na sepe se ba imatswang ka sone ka jaana batsadi e le bone ba tsayang madi, a tlatsa ka go re batsadi bangwe ba setse ba agile matlo fa bangwe ba tshela botshelo jo bo manobonobo ka ntlha ya go gweba ka bana. Mme Ramaphane o tlhalositse fa bana ba felela ba tswa mo dikoleng ka ntlha ya boimana ka jaana ba dirisiwa botlhaswa fela go sena itshireletso fa bangwe ba aswa senku mme ba felele mo mekgwatheng. A re ofisi ya gagwe e hupeditswe ke dikgang tsa mohuta oo, mme a ikuela mo morafeng go emela dikgang tseo ka dinao ka jaana di diga seriti sa bana. A re e le ba WAR ba boloditse letsholo go buisanya le magosi ka dikgang tseo le tse dingwe tse di amang bana. A re bangwe ba nyalwa ba sa le babotlana ka jaana ngwana fela fa a tlhoga dikolamelora o a beelelwa go ya ka dingwao dingwe. A re go beelela ngwana ke ngwao mathata ke fa motho yo a mmeeletseng janaong a batla go mo dira mosadi e ise e nne nako a tlhakanela dikobo le ene. Mme Ramaphane o tlhalositse gore go botlhokwa gore ngwao le ditsamaiso dingwe tsa Setswana di lebelelwe ka jaana di baya bana ka fa mosing. A re batho bangwe ba iphitlha ka ngwao mme ba rontshe bana tshwanelo ya go akola botshelo. A re bana ke bone bokamoso, ka jalo ba tlhoka go tlamelwa le go godisiwa sentle. A re go ama pelo go bona batsadi mo Maun ba dirile bana bontlha jwa bojanala. A re e re le ntswa puso e otlolotse letsogo go ntsha mananeo a itshetso, sebe sa phiri ke gore batsadi bangwe ba ithetse moriti o tsididi fela mme ba batla madi ka ditsela tse di sa siamang tse di bofefo. Lekgotla la WAR le itlamile go ema kgatlhanong le kgokgontso ya bomme le bana. Mme Ramaphane a re ba ipelafatsa ka buka nngwe e e kwadilweng ke bana bangwe ba dikole mo Maun ba bua ka maitemogelo a bone ka dikgwetlho tsa botshelo mo Ngami. crime_law_and_justice 1 Bakgweetsi ba kgothadiwa go nna le boikarabelo Bakgweetsi ba kgothaditswe go tsaya boikarabelo ka go dirisana sentle mo ditseleng le bakgweetsi ba bangwe ka seo se ka fokotsa dikotsi tse di diragalang mo lefatsheng leno. Mafoko a a builwe ke mookamela mapodisi a pharakano mo Tsabong Assistant Superintendent Pandora Kgosimore mo dithuto seka dipuisanong tse di neng di rulagantswe ke ba komiti ya ipabalelo tseleng bosheng. Fa a bua maikaelelelo a letsatsi leo, mookamela mapodisi a pharakano ebile ele mothusa modulasetilo wa komiti ya ipabalelo tseleng , o ne a tlhalosa fa e le go tsibosa bakgweetsi ka botlhokwa jwa ipabalelo tseleng ; go fokotsa dikotsi; go ba kgothatsa le go ba tsibosa ka botlhokwa jwa go obamela matshwao a tsela; go ele tlhoko batsamaya ka dinao ka nako tsotlhe le gone go ba rotloetsa go thusa ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela ka go tsamaya ba tsere diatlana (gloves) mo dikoloing tsa bone. Assistant Superintendent Kgosimore o ne a tswelela ka go tsibosa bakgweetsi fa gantsi dikotsi tse di diragalang mo kgaolong ya bone kgapetsakgapetsa di bakwa ke go kgweetsa ka lobelo lo lo feteletseng; go tlhoka go dirisa mabante a itshireletso; go kgoreletsa bakgweetsi ba bangwe go kgweetsa ba sena ditlankana; morwalo oo feteletseng mo dikoloing tsa setshaba le gone go kgweetsa ba nole bojalwa mo a supileng fa e le one molato o o di gogong kwa pele thata mo kgaolong ya Kgalagadi borwa. Rre Kgosimore o ne gape a tlhalosetsa batsena dithuto-puisano tseo ka dikatlholo tse di tsentsweng mo tirisong mo ngwageng ono; ya go kgweetsa o nole bojalwa a kaya fa e le P3.000.00, kana ngwaga le dikgwedi tse thataro mo kgolegelong. One a tswelela a tlhalosa ka mefuta e mebedi ya mechine e e tlhatlhobang selekanyo sa bojalwa mo bakgweetsing le tiriso ya yone. O kaile fa katlholo ya go bua ka mogala o kgweetsa yone e le P200.00 kana go feta kana go atlholelwa kgwedi tse pedi o disa poo. Mookamela mapodisi ebile e le mothusa modulasetilo o kaile fa dikotsi tse ba di gatisitseng mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa e leng Tsabong, Middlepits, Bokspits le Werda go simologa ka kgwedi ya Hirikgong go fitlha ka ya Lwetse monongwaga di le masome a supa le borataro (76) , fa dintsho tsa ba ba tlhokafetseng di le nne (4). Sebui sa tlota sa letsatsi leo, Inspector Ookeditse Dipholo boemong jwa ga mookamela mapodisi a Kgalagadi, o kaile fa letsatsi le le le botlhokwa ka ele la go ithuna dinta ga bakgweetsi le go ya go baakanya diphoso tsa bone tse di bakang dikotsi; a tla a ba rotloetsa go nna le tirisanommogo mo bakgweetsing ba bangwe le mapodisi . Inspetor Dipholo o ne a gwetlha bakgwetsi bogolo jang ba banana go tila go kgweetsa ba nole bojalwa ka ba ka felela ba tseelwa diteseletso tsa go kgweetsa mme di le botlhokwa, ka e le tsone tse ba itshetsang ka tsone. Fa a mo kgwa dikgaba mogolwane wa lephata la ditsela mo Tsabong Rre Topoyame Makgatshwane one a tlhalosa fa tsela eo e le mo seemong se se sa siamang ka e le kgologolo mme maikaelelo a bone e le go e ntšhwafatsa, jaanong sebe sa phiri ke letlhoko la madi. Rre Makgatshwane o ne a supa fa maiteko a ba a dirang mo tseleng eo e le go thiba dikhuti tseo kgapetsa-kgapetsa, go shahatsa ditsela tse di makgwarapana (gravel) le gone go kgaola ditlhare mo tseleng. Mogolwane o ne a supa fa dingwe tsa dikgwetlho tse ba kopang le tsone e le tsa go utswiwa ga diterata mo ditseleng fa ba di ageletse; a ba a kopa mongwe le mongwe go nna matlho a puso ka go loma mapodisi tsebe mo ditiragalong tseo. One a tlatsa ka go kopa bakgweetsi go ela tlhoko matshwao a tsela a selekanyo sa lobelo mo ditseleng tseo go itsa go baka dikotsi. Maphata mangwe a a neng a tsaya karolo mo dithuto puisanong tseo e ne le ba lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng, ka go tlhalosa ka boitekanelo jwa dikoloi; ba CTO ba baneng ba rotloetsa maphata a puso ka go isa bakgweetsi kwa dithutong tsa boitsanape jwa go kgweetsa (defensive driving) le ba lephata la ditsela ba khansele, go tlhalosa ka ditsela tse di mo metseng tse ba itebagantseng le tsone le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mabapi le ditlhabololo mo go tsone. Bakgweetsi ba ne ba leboga thata ba komiti ya ipabalelo tseleng ka dithuto tseo, ba supa fa di tla tsisa pharologanyo thata mo tirong ya bone ya go kgweetsa le gore ba tla fitisetsa molaetsa oo mo go ba bangwe. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Go itirela go fokotsa le tlhoko la ditiro Kgosi Rantsimane Banyatsi wa Letlhakeng a re go itirela go ka fokotsa letlhoko la ditiro le borukutlhi. Fa a amogela baeng kwa letsatsing la thekiso la lenaneo la nyeletso lehuma kwa Letlhakeng ka Labotlhano, Kgosi Banyatsi o tlhalositse fa a swabisitswe ke go bo banni ba ne ba sa tla ka bontsi. O kopile ba ba tsereng lenaneo la nyeletso lehuma go tshwara ka thata gore ba kgone go itshetsa. Molaodi wa kgaolo potlana ya Letlhakeng, Mme Ikgopoleng Lekoape, o supile fa letsatsi leo le diretswe go ipapatsa le go arogana dikitso. Mme Lekoape o tlhalositse fa erile ka 2012, puso ya tsaya tshwetso ya go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo, mme tshimolodiso ya tiro e, ya tshwarelwa kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng kwa Diphuduhudu. O tlhalositse fa lenaneo le simolotse ka go lemela baikopedi ditshingwana tsa merogo, mme ya re morago ga tsenngwa go rua dihutshane, dikoko, go roka, go hirisa ditante le tse dingwe. Mme Lekoape o tlhalositse fa erile ka 2014, puso ya simolodisa lenaneo le le itebagantseng le banana la Youth Development Fund (YDF) ka e ne e lemogile fa banana ba amilwe ke lehuma. Monana, Rre Golekanye Setoroise wa Letlhakeng, o supile fa e rile ka 2017 a thusiwa ka lenaneo la dinku mme kgwebo ya gagwe e solofetsa. A re o kgethile go rua dinku ka o godile a rata leruo ebile a disa. O tlhalositse fa dikgwetlho tse a kopanang le tsone e le letlhoko la marekisetso, mme se se sa mo kgobe marapo. Rre Setoroise o kgothaditse banana go se tshabe go dira tse ba di ratang, mme segoloboglo ba beye Ramasedi kwa pele. Mme Babotseng Satsebe go tswa Malwelwe ene o supile fa a ne a thusiwa ka dikoko tsa mae. Mme Satsene o tlhalositse fa a bone dithuso ka 2016, mme erile ka 2017 a nna le kgwetlho ya bolwetse jwa dikoko, a emisa kgwebo a boa a tsweledisa ka 2018. A re kgwebo e tsamaya sentle ebile o rekisetsa sekole se sebotlana sa Malwelwe mae ebile o kgona le go ipolokela madi kwa bankeng. O kopile ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go oketsa se ba se ba se neetsweng le go dira ka lerato. Mothusa modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng ebile e le mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Neo Segaise, o lebogile ofisi ya ga molaodi go phutha b aba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma. O kopile makhanselara go rotloetsa banana go ikopela go thusiwa ka lenaneo la banana. economy_business_and_finance 3 Lepodisi le lebisitswe molato Lepodisi la maemo a special constable kwa Ghanzi le utswile madi a rre mongwe yo o neng a tshwerwe ka molato wa go fitlhelwa a nole bojalwa mo lefelong le go sa letlelelweng go nwela bojalwa teng . Mookamela mapodisi a kgaolo ya Ghanzi, Rre Alakanani Makobo, o bolela fa tiragalo e, e diragetse ka Tlhakole a le masome a mabedi le bongwe. Rre Makobo a re go lemogilwe fa rre yo wa lepodisi a utswile madi, fa ba sena go lebisa rre yoo tshwerweng molato, jaanong a tshwanetse go duela. E rile modira molato a re o a duela a fitlhela madi a gagwe a tsene ka ga re itse mme a supa fa a belaela mapodisi a a mo tshwereng, ka a ne a tswere madi mme a sa a bone. Go bolelwa fa mapodisi a, a ne a phuruphutshiwa gone foo mme ga fitlhelwa P300 mo rreng wa lepodisi. Rre Makobo a re rre yo wa lepodisi o tseetswe dikgato. A re o sekisediwa maitsholo a a makgaphila mo tirong mme a re kgang ya gagwe e santse e tsweletse. A re rre yo o sekisiwa fela jaaka modira molato mongwe le mongwe. E re dikgang di eme jalo, Rre Makobo a re, rre yo wa lepodisi o robaditswe kwa sepatela, morago ga gore e re malatsinyana morago ga tiragalo e, a thulwe ke mongwe ka koloi mme motho wa go nna jalo a inaya naga, ka jalo go santse go le mo patlong ya motho yo o ka tswang a mo thudile . Mo dikganyeng tse dingwe mapodise a mo letsomong la dilalome tse di thubileng ofisi ya Edoes Camp kwa motseng wa D’kar gone mo kgaolong ya Ghanzi. Dilalome tseo, go lebega di tlhasetse ofisi eo mo bosigong jwa tshipi kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le borataro, mme ba utswa P3 000 Cash,300 US dollars le Laptop, e e neng e rekiwa ka di Euro mme madi a a e rekileng fa a fetolelwa mo dipuleng a ka lekana le P25 000. Rre Makobo a re, ga ba ise ba tshware ope mabapi le tiragalo eo mme o supile fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse. O tsweletse a re, ba ikuela mo setshabeng go ba thusa go tshwara dilalome tseo, a re fa ba ka bona mongwe a fetola madi a di dolara ba ikgolaganye le bone kana mapodisi ape fela a a gaufi. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Ntshang botswerere jotlhe Banana ba kopilwe go ema ka dinao ba ntshe botswerere jwa bone jwa ditiro tsa diatla ka seo se ka fokotsa letlhoko la ditiro le le ileng magoletsa mo lefatsheng leno. Mafoko a a builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi borwa, Rre John Toto mo pulong semmuso ya tshimolodiso ya disupiwa tsa tiro ya diatla le botaki, go di betlela tsela go ya kwa dikgaisanyong tsa malatsi a ga Tautona ka Phukwi. Mopalamente o ne a rotloetsa badiragatsi go dira ka natla, bonokopila le lorato e bile ba sa inyatse gore ba tle ba kgone go gaisana le ba dikgaolo tse dingwe. Rre Toto o ne a rotloetsa badiragatsi gore dilwana tse ba di dirang ga se go kgatlha leitlho la moreki fela, ke go tlotlomatsa le ngwao ya Setswana. Mopalamente o ne a kopa barui ba dihutshane go kopana ba nna seopo sengwe le go batla lefelo le ba tlaa kgonang go kokoanyetsa matlalo a leruo mo go lone, ba a suga, ba bo ba a rekisa ka seo se ka ba thusa go ntsha disupiwa tsa maemo a ntlha tsa matlalo. Rre Toto gape o ne a supa fa e sale ntlo ya ditso e bulwa kwa Tsabong ka 2012, badiragatsi le bataki ba kgaolo ba kgonne go kokoanya P30 990. O ne a kopa maphata a puso a a farologanyeng go rotloetsa badiragatsi ka go reka dilwana tsa bone tse di dirilweng ka diatla go kgabisa mo diofising tsa puso jaaka e le taelo ya ga Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama. O ne a tlatsa ka go gwetlha banana go tsena dikgaisanyo tsa malatsi a ga Tautona ka bontsi ka seo se ka ba thusa go fetola matshelo a bone ka go itirela le gone go ba ntsha mo ditirong tsa botlhoka tsebe. Modulasetilo wa khansele potlana ya Kgalagadi borwa, Rre Sam Brooks o ne a rotloetsa banana go itsolopanya, go dira ditiro tsa diatla le go tsaya malebela mo go ba bangwe. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ba kopiwa go tsweledisa tshwaragano Banni ba motse wa Phuduhudu mo kgaolong ya Nhabe, ba kopilwe go tsweledisa mowa wa tshwaragano, lorato le tirisano mmogo o ba o supileng mo phitlhong ya kgosi wa motse oo bosheng. Kopo eo e ntshitswe ke mopalamente wa kgaolo ya Maun Botlhaba, Rre Constantinos Markus. A re tshwaragano e ba e supileng ka go nna teng kwa losong ka dipalo tse dintsi jalo e ka dira gore motse wa bone o gole. A re bogosi bontle bo a itirelwa. A re moswi Kgosi Bobotha Yokhwe o ne a itirela bontle joo a santse a le mo botshelong ka go kgobokanyetsa morafe wa Basarwa mo Phuduhudu gore puso e ba thuse ka ditlamelo. Rre Markus o bile a ba kopa go tswelela ba gata mo ditlhakong tsa ga rraabo. A re dibui tsotlhe di kaile fa e ne e le motho yo o bonolo e bile a le lorato mme a re botlhe le bana ba moswi ba ka itirela bontle joo. Kgosi Keathotswe Mokenane wa Tsau, o ne a re ba lwapa la ga Rre Yokhwe ga ba a latlhegelwa ba le nosi, a tlatsa ka go re le bone kwa bogosing ba latlhegetswe ka jaana e ne e le motho yo o tswang ka megopolo e e nonneng nako le nako, e bile a kopanya batho ka lorato le a neng a na nalo. O tlhalositse fa Kgosi Yokhwe a simolotse tiro ya gagwe ka 1979 e le kgosana e e kwalang mme ya re ka 1986 a tlhatlosiwa maemo go nna moemela kgosi ka e ne e le motho yo o botlhale, e bile a ntsha dikgakololo tse di agang setshaba. Mothusa kgosi wa Batawana, Kgosi Bringle Dithapo a re ene o ne a itse Kgosi Yokhwe ka ngwaga wa 2014 fa a tsena mo bogosing jwa goo Tawana, a tlhalosa fa a ne a mo tlwaela ka bonako ka e ne e le motho yo o pelontle e bile a le botlhale thata. A re o kgonne go ntsha Phuduhudu mo go nneng lefatshe la puso a o dira lefatshe la morafe, a re pele go ne go sena jaaka batho ba motse oo ba ka bewa ditsha ka jaana lefatshe leo e ne e se la bone mme gompieno ba na le ditsha. O bile a kopa morafe go tswelela ka tshwaragano e ntle eo le gone go tsweledisa ditiro tse kgosi a neng a setse a di simolotse, bogolo jang tse di amang tlhabololo ya motse wa bone gore ba kgone go gola. Kgosi Bobotha Yokhwe o tshotswe ka 1928, mme a tlhokafala kgwedi e e fitileng e le 25 kwa kokelong ya Gweta morago ga go lwala ka lobaka. O tlogela mosadi le bana ba le barataro, basadi ba le ba bedi le banna ba le bane. society 9 Botlhakatsebe ga bo jese dikgosi diwelang Dikgosana kwa Masunga di tshwenngwa thata ke dikgang tsa go tlhoka tsebe ga banana, leruo le le gobeyang mo motseng le batho ba ba leletsang diletso kwa godimo mo malwapeng. Mo potsolotsong le ba BOPA ka Labobedi, Kgosana ya kgotlana ya Chilinde, Rre Teacher Chaloba o boletse fa go tlhoka tsebe ga banana go sa ba jese di welang, mokgwa o a supileng fa o atile thata mo baithuting ba ba tsenang mo dikolong tse dikgolwane tse di mo motseng wa Masunga. O boletse fa go supagetse fa bangwe baithuti ba goga motokwane, o a tlhalositseng fa go belaesegang gore ba o reka mo bathong bangwe ba lefatshe le le mabapi la Zimbabwe ba ba nnang mo motseng wa Masunga. Rre Chaloba o tsweletse gape a bua fa bangwe ba banana ba itshiela nnotagi mme e re ba tlhapetswe ba bo ba tlhokela barutabana le batsadi ka kakaretso botho, mme ba felele ba le mo diatleng tsa mapodise. society 9 Tsela ya Mochudi-Malotwane e a baakanngwa Tsela ya Mochudi-Malotwana e e nang le dingwaga e le mo seemong se se neng se tshwenya badirisi e simolotse go baakanngwa. E rile a bua mo potsolotsong le BOPA moeteledipele wa lephata la ditsela mo Mochudi, Rre Lapologang Thebe o tlhalositse fa ba simolotse go baakanya tsela eo kgwedi e e fetileng. Rre Thebe a re dingwaga tsotlhe e sale goromente yo motona a tsaya dingwe tsa ditsela mo dikhanseleng ba ntse ba sena madi le ditsompelo tsa go busetsa tsela ya Mochudi-Malotwana mo seemong. Le fa go ntse jalo a re lephata le na le lenaneo la go thiba dikhuti tse di mo tseleng eo tsotlhe. A re go le pele ba ne ba thapa rakonteraka yo o neng a dira ditekeletso tsa methale e e tlhabolotsweng ya go thiba dikhuti tsa tsela eo. O tlhalositse fa ba ne ba lepa seemo mme ba dumalana go dirisa mofuta o gompieno e leng one ba remeletseng mo go one fa e sale ba simolola go baakanya tsela eo. Rre Thebe o kaile fa tsela eo ya dikhilomithara tse di lesome e tlaa bitiiwa dikhilomithara tse thataro fa tse nne go tlaa dirwa tsela e ntsha, a re ba itemogetse fa bontlha bongwe bo senyegile e bile bo tlhokana le go dirwa sesha. O tsweletse ka go tlhalosa fa ba tswa kgakala ba utlwa selelo sa badirisi ba tsela eo. A re segolo thata ba tlhaloganya fa tsela eo e ne e ka tsenya matshelo a badirisi mo diphatseng, a tlatsa ka go re ntswa e ne e senyegile thata e ne e sena matshwao a tsela a a supang fa e na le dikhuti tse dintsi. “Re itse thata ka selelo sa badirisi ba tsela segolo thata bagwebi ba dipalamo tsa setshaba ba ba neng ba setse ba sa batle go gorosa setshaba kwa Malotwana, ke ka moo gompieno re tsibogetseng go busetsa tsela ya Mochudi-Malotwane mo seemong se se babalesegileng,” Rre Thebe a tlhalosa. A re tsholofelo ke gore tiro ya go baakanya tsela eo e wele ka Phukwi e bile e tsentswe le matshwao a a neng a seyo. O ne gape a tlhalosa fa ba na le lenaneo la go duela setshaba fa dikoloi tsa bone di sentswe ke tsela mme a re setshaba ga se tlhaloganye thata ka tsamaiso ya teng, ba itlhaganelela go kwalela mokwaledi wa lephata. “Se se diragalang ke gore re bereka le sepodisi le lephata la dipalamo, fa motho a bolela fa tsela e sentse koloi ya gagwe, re le lephata re ikgolagaya le sepodisi gammogo le lephata la ipabalelo tseleng ba ba dirang ditlhotlhomiso le diteko go netefatsa fa ka nnete tsela e le yone e sentseng koloi. Morago re dire thulaganyo ya go duela ditshenyegelo gone mo Mochudi. Mo go tse dingwe, Rre Thebe o kaile fa ba ikaelela go thapa boradikonteraka go tlhokomela ditsela tsa Kgatleng di tshwana le tsa dinoka ka go kgaola ditlhare, go sela matlakala go tlhomamisa fa ditsela tseo di tsamaega. O ne a tlatsa ka go re ba na le lenaneo la go baakanya ditsela mme ba palelwa ke go le diragatsa ka mabaka a letlhoko la madi le ditlamelo le tshwana dikoloi le didirisiwa tse dingwe. A re dinako tse dingwe ba tswa mo lenaneong la go baakanya ditsela ka ba kgona go patelesega go tlogela e ba e dirang go ya go baakanya e nngwe. Rre Thebe a re o lebogela tirisano mmogo ya VDC ya motse wa Malotwane le khansele a re e thusitse lephata la gagwe ka babereki ba le lesome le bongwe ba ipelegeng. A re o lebogela gape le mokhanselara wa kgaolo Rre Thabo Komane le modulasetilo wa khansele, Rre Mpho Morolong ba ba neng ba setse ba itlamile go tla ka methale ya go batla madi a go baakanya tsela ya Mochudi-Malotwane. BOKHUTLO politics 7 Thuo ya dintsa e na le maduo Thuo ya dintsa e ka nna kgwebo fela e e ka tshetsang Motswana yo o nang le lorato mo dintseng. Se se builwe ke Rre Best Mereyotlhe mo potsolotsong le Rre Mereyotlhe yo e leng ene mosimolodi wa motshameko wa go tlhoma ga dintsa o o neng o tshwerwe bosheng mo Palapye a re go botlhokwa gore barui ba mefuta yotlhe ya dintsa ba ipope ba nne seopo sengwe mme ba dire mokgatho o mo go one ba tlaa gakololanang le go fana maele ka tlhokomelo ya seruiwa se. “Maitemogelo a me ke gore barui ba dintsa ba a di latlhelela, bangwe ga ba di fe le fa ele tsone dijo mme ntswa ba solofela gore seruiwa se se ba sireletse ka nako tsotlhe. A re go botlhokwa gore dintsa di tlhokomelwe gore le tsone di lemoge fa di lemotshega mo malwapeng, ka jalo fa barui ba ipopile ba le seopo sengwe ba ka fana maele a tlhokomelo ya seruiwa se. O ne a tlhalosa gore fela jaaka seruiwa sengwe le sengwe, ntsa e ka ruelwa go itshetsa. A re fa e tlhokomelwa sentle e ka ngoka bareki mme e fe mong wa yone letseno. Rre yo o ruileng dintsa tsa mofuta wa Bull Dog, a re ene ntswa e le morutabana, o na le lorato lo lo golo mo dintseng e bile o ngomoga pelo thata fa a bona seruiwa se se tsewa ka tsela nngwe. O supile fa a kgona go rekisa ntsa madi a a kanang ka dikete tse nne mme bareki ba seke ba ngongorege ka jaana ea bo e kgatlhisa e bile e itekanetse. Rre Mereyotlhe o tsweletse ka go tlhalosa gore tlhokomelo ya dintsa e akaretsa le gone go netefatsa gore ntsa e tsere mekento ee maleba ka nako tsotlhe go tila malwetse gammogo le pabalesego ya morui le batho ka kakaretso. A re fela jaaka motho, ntsa fa e supa bokoa bo tshwanetswe jwa tsibogelwa mme ya isiwa kwa go ba lephata la diphologolo go ka thusega, a re seo ke sesupo sa gore le yone e tsewa tsia. Go ya ka Rre Mereyotlhe, ntsa e dirwa ke morui wa yone gore e itsee ka tsela nngwe a re ntsa fa e bolaisiwa tlala ke morui e nna legodu. Rre Mereyotlhe o kgadile barui ba dintsa ba ba di latlhelelang e bile ba seke ba netefatsa gore di jele kgotsa di tsere mekento a re ke bone ba rotloetsang boitshwaro jo bo sa siamang ba seruiwa seo. O gakolotse banana go inaakanya le thuo ya dintsa a re e ka thusa go fokotsa letlhoko la ditiro le le apesitseng lefatshe kobo ka letshoba. Fa a mo tlatsa Rre Lazarus Moroko wa kgotlana ya Khurumela yo le e ne e leng morui wa dintsa, o ne a supa fa ene a ruetse dintsa tsa gagwe thekiso mme di mo fa letseno le le botoka. Rre Moroko le ene o rotloeditse kgang ya go ipopa ba nna mokgatlho, a re o ka busetsa barui ga mmogo le tsone dintsa. Rre yo o ruile dintsa tsa mofuta wa Grey Hond mme a re sephiri segolo mo kgwebong ya gagwe ke lorato le tlhokomelo mo dintseng tsa gagwe. economy_business_and_finance 3 Kedikilwe o akgola bomme Seabe sa bomme mo tlhabololong ya lefatshe le setshaba se a bonala. Se se netefadiwa ke bomme ba kwa Mmadinare ba ba tsweletseng ka go tlhama mekgatlho go tshidisa ba ba latlhegetsweng ke ba masika le ditsala. Mongwe wa balalediwa kwa tshimolodisong semmuso ya mokgatlho wa Mmamosekama Burial Society, Rre Ponatshego Kedikilwe yo o e leng mothusa tautona wa pele, o kaile fa mme e le motho yo o nang le tebelopele le boitshoko mo go se a batlang go se dira. Rre Kedikilwe o ne a lemotsha bomme ba mokgatlho wa Mmamosekama fa se ba se dirang e le se puso e se batlang ebile se le mo maitlamong a Tebelopele ya 2036. O gakolotse bomme ba mokgatlho gore ba seka ba itebaganya le tsa diphitlho fela, mme ba katolose go itepatepanya le mathata a a lebaneng bana ba basetsana ka ba tshelela mo kgokgontshong. Rre Kedikilwe o supile fa ngwana wa mosetsana a tshwanetse go rutwa boitshwaro jo bo siameng a sa ntse a le monnye gore e re a godile e nne mme yo o nang le boikarabelo. Rre Kedikilwe a re mokgatlho wa Mmamosekama o mo tseleng ya go tsosolosa mowa wa bogologolo wa boipelego le popagano ya morafe. E rile a ba ama ka lefoko, mogolo wa motse, Rre Molebatsi Molebatsi o ne a kgothatsa bomme ba Mmamosekama go bereka ka thata go godisa mokgatlho go nna o o dirang dipoelo. Rre Molebatsi o ne a supa fa go le botlhokwa go nna le tebelopele mo se motho a batlang go se dira mme a ba kgothatsa go sala molao motheo morago ka e le o ne o o ka ba kaelang fa ba sa dire sengwe sentle. O supile fa mekgatlho e tshabelelwa ke go phutlhama mo dikgang tsa teng di felelang di le kwa makgotla tshekelong ka lebaka la go tlhoka go sala molao morago. A re go botlhoka go nna le batho ba ba nang le dikitso tsa madi mme a ba rotloetsa go dirisa bana ba bone mo motseng ka bangwe ba na le dithuto tsa go nna jalo. Rre Molebatsi o ne a supa fa Mmadinare a dikologilwe ke meamuso ya tlholego jaaka matamo mme a re ba ka thulanya ditlhogo le mekgatlho e mengwe go akantshanya ka fa ba ka di dirisang ka teng go dira dikgwebo. O ne a itlama go thusa mokgatlho ka dikitso tse a nang natso tsa kgwebo gore o kgone go itirela letseno. Morotloetsi mogolo wa mokgatlho, Mme Neo Mothobi o ne tlhalosa fa mokgatlho o sale o tlhamilwe ka ngwaga wa 2016 mme mo nakong ya gompieno o godile. Mme Mothobi o ne a re tiro ya gagwe ke go thusa ka dikgakolo mme a supa fa kutlwano le lorato e le tsone tse di ka dirang gore mokgatlho o gole. society 9 Tshidilo maikutlo e na le mosola Tshidilo maikutlo e kailwe e le tsela nngwe ya go kganela dipolao le dikakanyo tsa go bolaya ka e ritibatsa maikutlo gape e efa batho nako ya go buisana go batla tharabololo. Fa a bua mo thuto-puisanong ya letsatsi la go kganela go ipolaya, mmaboipelego mo khanseleng ya Mochudi, Mme Boingotlo Matlhabaphiri o boletse fa go ikgolaganya le bommaboipelego go kopa thuso go le botlhokwa. O boletse fa bontsi bo tsaya temana khutshwane ya go ipolaya go rarabolola mathata a bone mme mo go sa thuse ka batho ba ba salang mo botshelong ba amiwa ke seemo se ba tlogetsweng mo go sone. O bile a tlatsa ka go re bangwe ba sala ba akanya fa e le bone ba bakileng go ipolaya moo. Mme Matlhabaphiri o boletse fa go bua boammaruri ka nako ya fa motho a ile go batla thuso mo go mmaboipelego go le botlhokwa thata ka go fa motho sebaka sa go tlhaloganya seemo pele a se rarabolola. O kopile setshaba gore ba seka ba itshidila maikutlo ka ba felela ba tsaya dikgato tse di seng maleba mo go ba tsenyang mo mathateng , a ba kopa gore ba ithute go bua le batho ka e le tsela e molemo go kganela dipolaano. Mme Matlhabaphiri o boletse fa go itse mmaboipelego go sa reele gore o ka tsamaya a bolelela motse ka mathata a gago ka seo e tla bo e le tlolo molao mme e bile motho a na le tetla ya go begela ba sepodise ka seo gore ba lebise mmaboipelego molato. O boletse fa go na le molao o o ba letlang go begela mapodisi fa motho a rera go bolaya yo mongwe gore ba tshegetse yo o kaiwang mopolaong, a tlatsa ka gore se e abo e le go sireletsa yo mongwe go fitlhela yo o kopileng thuso a sidilwa maikutlo. O tlhalositse fa tshidilo maikutlo e tshwana le lefoko la Modimo ka gore fa o utlwa lefoko la Modimo mme o sa le tshegetse ga le go solegele molemo mme fa o le sekegela le go tshedisa sentle. Detective Sargent Bonniface Dibe o tlhalositse fa bontsi jwa dikgang tsa go ikgapela botshelo di bakwa ke dikgwetlho tse batho ba iphitlhelang ba le mo go tsone mme ba sa kgone go di rarabolola jaaka marato a bangwe ba sa amogeleng fa a sena go fela. O tlhalositse fa ba gatisitse dikgang tsa go ikgapela botshelo ka go ikaletsa di fera bongwe ka 2015, di le lesome ka 2016 e le ka go ikaletsa le go gatwa ke terena mme monongwaga fela ba gatisitse tse pedi tsa go gatwa ke terena botlhe e le borre. Rre Dibe o kopile setshaba go begela bommaboipelego le mapodisi fa ba na le mathata gore ba tle ba kgone go bona thuso, a tlatsa ka gore fa ba tshegwa ke batho fa ba kopa thuso ba begele ba sepodise ka gore ke molato gore e re motho a kopa thuso ba sepodise kana bo mmaboipelego ba ba tshege. Rre Kabelo Moremi o kaile fa bomme ba tshwanetse go amogela diphoso fa ba le molato mme ba ipaakanye gore go seka ga nna le dikgogakgogano tse di felelang di baka dipolaano. O tlhalositse gape gore go tlhabisa ditlhong go ipega o re mosadi o a go tshwenya ko lwapeng o le rre ka mapodise ba go ja setshego mme se se bake gore motho a ikaletse kana a bolae le ene mokapelo pele a ikaletsa.BOKHUTLO education 4 Dibuka tse di dirisitsweng di jesa Dineo Methale ya go itirela e mentsi mme mongwe wa yone o bonwe ke monana wa kgotla ya Boseja kwa Maun, Mme Dineo Petrus yo o rekisang dibuka tse di dirisitsweng. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Petrus o tlholositse fa dibuka e le tsa gagwe tse a neng a di reka go di bala ka e le motho yo o ratang go bala thata. Mme Petrus o boletse fa a simolotse kgwebo ya gagwe mono ngwaga mme a rekisa ka mafelo a beke fela. O supile fa go rekisa ka nako eo go ne go sa mmusetse e bile bareki ba di batla thata le mo gare ga beke, ka jalo a bona go le botlhokwa go rekisa malatsi otlhe. Dingwe tsa dibuka tse Mme Petrus a di rekisang ke tse a ne a di dirisa kwa sekoleng, fa dingwe di akaretsa dibukana tsa Kutlwano, Soul, le Drum fa tse dingwe a di fiwa ke batho fela mo motseng fa ba sena go fetsa ka tsone. O supile fa e le motho yo o ratang go bala thata e bile a rata gore a kgaogane se a se badileng le yo mongwe ka go mo rekisetsa. “Fa dikgang di fetilwe ke nako ga se gore ga di kake tsa balwa gape, yo o sa di balang mo go ene ke dikgang, ke dumela fa dikgang di sa bole, ka jalo ke sa ipone tsapa go rekisa dibuka tse dikgologolo,” ga tlhalosa Mme Petrus. A re go rekisa go tsamaya fela sentle ka a rekisa ka ditlhwatlhwa tse di siameng, mme o kaile fa bothata e nna fa motho a batla dibuka tse a senang tsone, mme go bo go mo tsaya nako e telele go di batla mo bathong fa gongwe a di tlhoke. “Kgwetlho e nngwe ke fa ba batla tse ke sa batleng go di rekisa jaaka tse di sidilang maikutlo kgotsa tse di rotloetsang,” a akgela jalo. O ne a kopa gape gore batho ba mo eme nokeng ka go mo tsisetsa dibuka tse ba sa di diriseng, a re o eletsa go kopa dithuso tsa madi mo pusong gore a bule lebentlele la dibuka. Mme Petrus o kgothaditse banana go ikemela ka dinao le go nna pelotelele mo dikgwebong tsa bone. A re go rekisa go kgona go sa nna teng dinako tse dingwe, mme ba tshwanetse go iponatsa dinako tsotlhe mo madirelong ka se se ka dira gore batho ba ba sa itseng ka kgwebo ba mo itse. education 4 Thuto kgetsi ya tsie
 Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Monnathebe kwa Lesilakgokong, Mme Hellen Kgosiepelo, a re go tlhoka tlhokomelo ya batsadi ba baithuti bangwe ba sekole seo, go isa thuto ya bone kwa tlase. Mogokgo o buile se mo potsolotsong kwa Lesilakgokong bosheng. A re selo se gape se baya bana ba ka fa mosing mo dilong di tshwana le bogakolodi jwa boitshwaro jo bo eletsegang. O boletse gape fa bangwe ba bana ba, ba iphitlhela ba le mo dikgannyeng tsa tiriso ya nnotagi mme e bile e a re morago ga sekole bana bao ba tlhamalalele kwa mafelong a go rekisiwang nnotagi kwa go one. Mme Kgosiepelo a re go tsamaya sekgele se se leele ga bana ba ya sekoleng le gone go na le seabe se segolo mo go tlhokeng go dira sentle ga bone mo dithutong. O boletse fa bana bangwe e le ba mophato o o kwa tlase. “Makgetho a mantsi a e leng gore e a re fa gongwe dithuto di tsweletse nako e tsamaela lesome kana lesome le motso, o bone ngwana e le gone a gorogang”, ga bua Mme Kgosiepelo. Le fa go ntse jalo mogokgo o lebogetse ba khamphani ya ditlhaeletsanyo ya Orange ka tshwaragano le ba khansele ya Kweneng go bo ba ntshitse dikotshekara di le nne tse di pegang bana mo mosong go ba isa sekoleng le maitsebowa go ba busetsa malapeng le moithaopi yo o dirisang ditonki tsa gagwe go golega sekotshekara se sengwe se se setseng se le mo tirisong. A re lefa go ntse jalo, ga go a lekana ka gore bana ba bantsi e bile ba ka seke ba tsene mo go sone. ENDS education 4 Tshwaragano Cluster e thusa motlhoka pono E rile bosheng Tshwaragano Cluster ya kokoanya madi go rekela mogolo e bile e le motlhoka pono Rre William Oats dijo. Tshwaragano Cluster e e bopilweng ka dikomiti tsa motse wa Draaihoek tse di farologaneng di akaretsa ya ditlhabololo tsa motse, bathusa mapodise a diphologolo, batlhokomedi ba balwetse mo malwapeng, bathusa mapodise le babereki botlhe ba kgotla ba kgonne go kokoanya P520. Ramapodise wa motse oo, Sub-Inspector Joshua Moleta o tlhalositse fa ba gwetlhilwe go dira tiro eo ke dingwe dipilara tsa 2016 tsa go nna tshaba e e kutlwelo botlhoko e bile ele pelotlhomogi. O tlhalositse gore le bone ba tsholetsa maoto go siana lebelo le le tabogiwang go ya go goroga kwa 2016. A re fa ba sena go kokoanya madi, ba tlhopha mongwe mo motseng, e ka nna yo o kobo dikhutshwane, molwetse kgotsa mo-na-le bogole mme ba mo tswe thuso nngwe e ba ka e bonang. O boletse fa ba simolotse tiro e mme maikaelelo a bone e le go tswelela ba e dira. Kgosi Charles Bimbo o akgotse dikomiti tseo thata, a tlhalosa gore tiro e ba e dirang e ntle fela thata e bile e itumedisa Modimo. A re lebaka la go tlhopha Rre Oats le siame thata ka e le motlhoka pono e bile e le mogolo wa motse yo o ntseng le seabe mo setshabeng e le moruti wa kereke ya UCCSA ka nako e telele. O kaile fa Rre Oats a godisitse bagolo ba motse o o mo tumelong mme a ba tlogetse ka neo e e ka sekeng ya ntshiwa mo go bone. O rotloeditse dikomiti eo go nna tlhaga mo go thuseng balwetsi, dikoa le ba-na-le bogole ka lebaka la gore ke batho ba ba tlhokang lorato le go lekolwa gore ba tshele ka boitumelo. Monnamogolo Rre William Oats o lebogetse mpho eo go menagane a tlhalosa fa komiti e tla a segofala fela thata. E rile a akgela, Mme Torotia Oats e leng ngwana wa ga Rre Oats a bolela fa ba tshela monate thata le rraabone, ka e le motho yo o ratang go tlotla ka jalo a leboga Modimo go bo a mo tshedisitse lebaka le le kalo. O tlhalositse gore ba amogetse bokoa jwa ga rraabone e bile ba santse ba mo tlhoka thata mo botshelong. BOKHUTLO society 9 Baopedi ba akola mohuhutso wa phatla Baopedi ba akgotse lekgotla le le sireletsang tiro ya baopedi la Copy Right Society of Botswana (COSBOTS) ba re lekgotla leo ke mmoloki wa ngwao le moopelo wa lefatshe leno. E rile fa a bua kwa tshimolodisong ya lekgotla la COSBOTS , baopedi ba le bantsi ba amogela thulaganyo ya go simolola go ba duelela dipina tsa bone. Tona wa Papadi le Madirelo, Mme Dorcas Makgato-Malesu a re go botlhokwa thata go ipelela tshimologo ya thulaganyo ya go nna jalo ka gore ke la ntlha mo ditsong tsa Botswana baopedi ba duelelwa dipina tsa bone tse di lediwang. Lekgotla la COSBOTS le sale le tlhomilwe ka 2008 mme la simolola go dira ka 2010 le sena go fiwa madi ke puso go tswa mo lekgethong la Blank Tape Levy Fund. Go ntsha madi moo go lejwa e le seabe sa puso mo go tlotlomatseng moopelo. Molawana wa Copyright and Molawana wa Neighbouring Rights Act CAP 68:02 o tlama COSBOTS go ntsha diteseletso e bo e phutha makgetho mo badirising ba dipina mme a kgaoganngwe batlhami ba dipina tseo. E ne ya re 2013 a fela, COSBOTS ya bo e setse e phuthile P7 634 831. Selekanyo sa P1 920 336 se ne sa phatlaladiwa le baopedi mme madi a a setseng a tlaa bewa gore a kgaoganngwe gape ka Phukwi. Tona o boletse gore madi a a setseng a tlaa kgaoganngwa baopedi fa go setse go na le dikitsiso tse di rileng go tswa mo badirising ba moopelo mme COSBOS e sala ka selekanyo sa masome a mararo mo lekgolong go duelela ditshenyegelo. Bontsi jwa madi bo kgaoganngwa ka fa dipina di dirisitsweng ka teng mme go duelwa maloko a a ikwadisitseng, go duelwa makgotla a mafatshe a sele a dipina tsa maloko a one di dirisiwang mo Botswana e bile ba na le ditumalano tsa tiriso le COSBOTS. Makgotla ao le one a tlaa tshwanelwa ke go duela COSBOTS madi a dipina tsa Batswana tse di dirisiwang kwa mafatsheng ao. Go tlaa duelwa baopedi ba mebino yotlhe ka go farologana, ba ba tshelang le bogole le bajaboswa ba baopedi. Tona Makgato Malesu o lebogetse lephata la kgaso jaaka e le bangwe ba ba dirisang dipina le tse dingwe tse di tsamaelanang le tsone, a re ba nnile le seabe se segolo gore tiro eo e atlege. E rile a ntsha la gagwe, modulasetilo wa COSBOTS, Rre Solomon Monyame a bolela fa go tsere lobaka go rulaganya gore baopedi ba duelelwe moopelo wa bone. A re go diragala ga toro eo ke bosupi jwa botsalano jo bo nonofileng fa gare ga baopedi le puso. Bokhutlo arts_culture_entertainment_and_media 0 Dikomiti di gakololwa go somarela naga Mookamedi mogolo wa khamphani ya Forest Conservation Botswana (FCB), Rre Joshua Moloi o gakolotse dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse le makgotla a a itebagantseng le go tlhokomela motse go tla ka megopolo e e ka somarelang tikologo. Rre Moloi o ne a bua kwa dithutong tse di neng di rulaganyeditswe dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse le makgotla a ditlhabololo tsa metse kwa Palapye. Rre Moloi o ne a tlhalosa fa maikaelelo a bokopano joo e ne e le go lemotsha setshaba ka madi a khamphani ya FCB e a abelang morafe o o itlamileng go somarela naga le go e tlhabolola ka ditsela tse di farologaneng. A re madi a khamphani e a rurifaleditseng go a abela baikopedi ke P23 224 944. A re madi a a setseng a neetswe baikopedi ke P11 478 488 mme a neetswe ditiro tse 32. Rre Moloi a re ditiro tse ba di amogelang ke tse di tsibosang setshaba ka go somarela tikologo, go lema ditlhare, go dira dikomiti tse di ka thusang go laola melelo ya naga le tse di dirang dipatlisiso tse di itebagantseng le tlhokomelo le tshireletso naga. A re matshwenyego a ba nang le one ka baikopedi ke gore ba dira dikopo tse di solofetsang go tsisa maduo mme e re fa ba fiwa madi ba bo ba sa dire ditiro tse ba solofeditseng go di dira. A re bangwe ba ikopela madi mme e re fa ba sena go a fiwa ba palelwe ke go a dirisa. A re ba setse ba na le dikgang le bangwe mme o ne a kopa setshaba gore se seka sa dira jalo. A re dikopo di buletswe go ka tsenngwa ke dokomiti tsa ditlhabololo tsa metse, maphata a puso, makalana a a ikemetseng ga mmogo le batho ka bongwe ka bongwe. O ne a kopa setshaba go nna pelotelele fa ba ikopela madi, a re dikopo tsa batho ga di atlege ka ntata ya gore ga di a dirwa ka tlhamalalo kana ga di a kgatlha ba ba di sekasekang. economy_business_and_finance 3 Ba rotloediwa go tlogela boitseme Molaodi wa kgaolo-potlana ya Letlhakeng, Rre Boammaaruri Otlhogile o supile fa mananeo a puso a tshwanetse go tsamaisiwa ka matsetseleko gore a atlege. E rile a bua kwa Botlhapatlou ka Laboraro jaaka maphata a puso a ne a isitse ditlamelo kwa bathong, Rre Otlhogile o ne a supa matshwenyego a gore bangwe ba batho ba ba thusitsweng ka mananeo a puso ba na le go a phuaganya fa ba lebagana le dikgwetlho, mme a tlhalosa fa ba bangwe jaaka ba ba thusitsweng ka dipodi le dikoko tsa nyeletso lehuma go tlhalosiwa fa ba atle ba di tlhabe mme ba bege fa di sule. O ne ka jalo a kopa batho bao go somarela tse ba thusitsweng ka tsone gore di ba solegele molemo, mme a tlhalosa fa a itse ka dikgwetlho tse di ba lebaneng jaaka go diega ga didirisiwa. Rre Otlhogile o ne gape a rotloetsa batho ba motse oo go nna ba loma ofisi ya gagwe tsebe ka bodiredi jo bo boitseme gore dikgato tse di tshwanetseng di tsewe. A re seo e a bo e se go penta badirelapuso mme ke tsela fela ya go leka go tokafatsa ditirelo ka jaana bodiredi e le jone bo tshwanetseng go bereka setshaba, e seng setshaba se bereka bodiredi. Mo go tse dingwe Rre Otlhogile o ne a tlhalosetsa banni fa molao o sa letle gore mmereki wa Ipelegeng o ka tshwarelelwa kwa tirong mo boseyong jwa gagwe, mme a re gantsi fa go diragala jalo e a bo e le go dirisa setho fela ka jaana Ipelegeng e se tiro epe e e rileng mme e le go thusa go tlodisa setshaba melatswana. A re fa go tlama thata gore motho a bo a seyo mo tirong go ka dirisiwa setho ke baeteledipele ba lenaneo mme e tshwanetse go nna selo sa malatsinyana fela a a sa feteng boraro. Rre Otlhogile o ne a tsiboga jaana morago ga matshwenyego a gore bangwe ba na le go ikwadisa mo Ipelegeng ba bo ba tshwarisa ba bangwe bone ba bereka go amogela fela. Mo go tse dingwe, modiri mo lephateng la diphologolo le makgabisa naga, Rre Luka Lephogole o ne a tlhalosetsa banni ba Botlhapatlou fa ba tlaa tshwanelwa ke go amogela seemo sa gore ditlou jaanong di boetse mo kgaolong ya bone, mme ba ithute go tshela le tsone ga mmogo le tshenyo e di tlang ka yone. A re fela jaaka leina la Botlhapatlou le tlhalosa, ditlou di kile tsa bo di le dintsi mo tikologong ya one mme tsa tloga tsa fuduga ka monokela mo tsamaong ya nako, mme a re go supagetse fa jaanong di ntse di boela ka bonya ka jaana ngwaga le ngwaga ka dinako tsa dipula di a tle di bonale teng. Le fa go ntse jalo, o ne a gakolola batho bao gore tlou ke phologolo e e bonolo, a ba gakolola gore fa ba di bona ba di tshose ka go di direla modumonyana o e seng wa sepe jaaka go opa diatla, mme ba seka ba nna magalamasuke mo go tsone ka di ka galefa. O ne gape a bolelela morafe fa ba sa lebala phimolo keledi ya ba ba senyeditsweng ke diphologolo tsa naga, mme a ba kopa go nna ba ntse ba bega tshenyo gore ofisi e tle e itse gore tshenyo e kae mo kgaolong. E rile ba tswa la bone, batho ba motse oo ba lebogela maphata a puso go ba atametsa ditlamelo, ba supa fa gantsi ba sokola ka dipalamo ga mmogo le madi go latela ditlamelo kgakala kwa Letlhakeng le Molepolole. Tiro eo ya go isa ditirelo kwa bathong e ne ya dirwa gape kwa metseng ya Diphuduhudu, Ngware le Malwelwe. BOKHUTLO politics 7 Kgosi o lebogela mowa wa boipelego Kgosi Alphonse Nsala wa kgotla ya Selolwane kwa Tutume o lebogetse batho ba kgotla eo tshwaragano le tirisanyo mmogo mo go dirileng gore ba kgone go tshegetsa letsatsi la go ipelela thobo. Kgosi Nsala o buile seo fa a ne a amogela dikgafela ka letsatsi la go ipilela thobo ke balemi ba kgotla eo bosheng.O ile a bolela fa tiro ya go nna jalo e tlwaelesegile kwa morafe ee kwa borwa jwa lefatshe leno. A re seo se a itumedisa go bo merafe e mengwe e kgona go tsaya malebela mo go e mengwe mme e kgone go dira se se tshwanang le se ba se dirang,a leboga morafe wa gagwe a re ke tiro e ntle e ba e dirileng ka ebile e le lantlha mo ditsong tsa bone go tshegetsa moletlo wa go tshwana leo. Kgosi o ile a bolela gore bone mo kgaolong ya bone go ne gorongwa batho(hosanna)go ya go kopa pula kwa ga ngwali e re morago ga thobo ba boile koo go ya go lebogela thobo e ba e boneng. A re gape go ne go apewa majalwa batho ba phutlagane go tla go ipilela thobo ba bina mmino wa Setswana. Kgosi Nsala are mo malatsing a segompieno batho ba kopa pula kwa modimo ka dithapelo ebile le tautona o rotloetsa seo,are ka tlotloetso ya ga tautona Lt Gen .Seretse Khama Ian Khama ya go rapelela pula,dipula di dikile di ne le ka matsorotso mme Batswana ba bona thobo e e nametsang.A tlatsa ka gore ga go thona go bona ba ipelela seo. A gatelela ka gore se balemi bao ba se dirileng se tla ngoka le bao ba ba ntseng ba sa leme. Modulasetilo wa komiti ya balemi ya Selolwane,Rre Lopang Masikara o ne a tlhalosa fa e le lantlha ba simolodisa tiro ya go nna jaana,are gape ka mo ditsong tsa bone ba sena dikgafela ke tiro e ba ithutang ka go tsaya malebela mo merafeng ya bakgatla le merafeng e mengwe ka dilo makwati di kwatlabolotsa mo go ba bangwe. Molemi morui wa kgaolo ya Tutume,Rre Keneetswe Thamaeo ne a bolela fa balemi ba kgaolo eo ba lebanwe dikgwetlho tse dintsi di tshwana setlhare sa mophane se se thata go epiwa gape se le sekgwa,dipula tse di sa e kanngweng. Rre Thamae o supile balemi ba kgaolo eo ba nyoretswe go lema ka ditselana mme sebe sa phiri ke gore ditsela dikitlanye polantara ga e kgone go goroga kwa masimong a balemi. A re setlhare seo se ba apesetse kobo ka letshoba ka fa gotwe motho o kgonne go epa disana mo tshimong ke fa a kgonne go epa ekere o le mongwe,a rwe seo e se ka keletso ya bone. O tsweletse a bolela fa dipula tse di sa ikanyegeng di rotloetsa gore ba leme ba gasa ka ba bo ba batla go tshwara bokgola.A re gape ba le balemi ba tshwenngwa ke diphologolo tsa naga le dinonyane tota le one mmaraka o ba ka yang go rekisa thobo ya bone. Mogolwane wa balemisi mo kgaolong ya Legare,Rre Bapaphi Jibichibi o boletse fa maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go rotloetsa balemi go rutana ka tsa temo gore ba rotloetse ba e seng balemi go kgatlegela temo. Rre Jibichibi a re gape ka letsatsi leo ba kgona go anjwa botsipa mo go ba bangwe le go kopana le dipeo tse di tlhabolotsweng tse di tsamaelanang le dipaka tsa gompieno. Bokhutlo society 9 Ba Shashe Bophirima ba lela ka lenyora Mopalamente wa Shashe Bophirima, Rre Fidelis Molao a re puso e tsere tshwetso ya go rebolela lephata la metsi le lephata la madi go adima madi kwa bankeng ya mafatshefatshe go araba selelo sa metsi. Rre Molao o boletse seo mo diphuthegong tsa kgotla kwa Marapong, Semitwe le Mafungo\Hubona ka Labone. A re mo mading ao a US$114 million US dollars) $11 million di tlaa dirisiwa go katolosa lefelo le le fetlhang metsi le diphaephe kwa letamong la Ntimbale gore batho ba metse eo ba kgone go sielwa metsi go tswa kwa letamong leo. O bolela fa batho ba kgaolo ya gagwe ba lela ka letlhoko la metsi, a tlhalosa fa madi ao a tlaa thusa mo ditirong tsa phatlalatso, go katolosa lefelo le go fetlhwang metsi le go gokela diphaephe go araba selelo sa tlhaelo ya metsi mo metseng eo. Rre Molao, yo e bileng e le mothusa tona wa thuto e kgolwane, dipatlisiso, maranyane le boitseanape, a re didiba tsa Maitengwe tse di nosang metse eo tse pedi ga di bereke, ka jalo tse di setseng ga di kgone go nosa kgaolo yotlhe, ke ka moo metse e mengwe e sa kgone go bona metsi. A re go rarabolola kgang ya letlhoko la metsi mo metseng eo go tlaa gokelwa didiba tse tharo tsa metsi kwa Goshwe go thusana le tsa Maitengwe mme moo e tlaa bo e le tiro ya nakwana go santse go emetswe tiro e kgolo ya Ntimbale. O solofeditse batho ba metse eo fa tiro eo e tlaa wela mo dibekeng tse pedi ka go ne go emetswe ba lephata la motlakase go gokela motlakase mo didibeng tseo gore di kgone go nosa metse. Gape o ne a lekodisa batho ba metse eo ya Marapong,Semitwe le Mafungo\Hubona ka tsela ya Francistown-Maun, a re thendara ya go shafatsa tsela eo e setse e dule e tswalwa kgwedi eno e le masome mabedi le bone mme go solofetswe gore kgwedi e e tlang ya Phatwe tiro ya go dira tsela eo e bo e simologa. O ne a bolela fa gape go tlaa dirisiwa madi a lekgetho a leokwane go aga tsela e ntsha e bapisiwa le e kgologolo go nna ditsela tse pedi go tswa Francistown go fitlha kwa Nata mme go solofetswe gore e tlaa nna e dirwa jalo ka sephatlo ngwaga le ngwaga go fitlhelela e ya go goroga kwa Mohembo. Banni ba metse eo ba ne ba lela ka lenyora le le ba apesitseng kobo ka letshoba ba bolela fa ba anwa metsi a a seng phepa mo matamong a ba kaileng a sa siamela botsogo. Ba ne ba supa matshwenyego ka bonya jo bo tsewang ke WUC go tsibogela dilelo tsa bone. Ba ne gape ba lela ka ditlhwatlhwa tsa metsi tse di kwa godimo ntswa ba nna go sena metsi a a tswang mo dipompong. politics 7 Olopeng o kgothatsa Makomoto go tiisa mo temong Mopalamente wa kgaolo ya Tonota, Rre Thapelo Olopeng, o kgothaditse banni wa masimo a Makomoto go tsaya temo ka tlhwaafalo. Rre Olopeng o buile seo fa a ne a ile go lekola banni bao ka Labobedi (Phalane a le lesome le motso), go utlwa ka matshwenyego le go tsaya megopolo go e isa kwa Palamenteng e e tlang. O kopile banni go nna keletlhoko gore ba seka ba tsiediwa ke bangwe, ba tlhaloganye gore mo pusong go na le molaomotheo le tsamaiso. A re ba tshwanetse go itse tsamaiso ya molao go direla bagogi ba bone tiro motlhofo e seng go e thatafaletsa pele. Rre Olopeng a re Makomoto e santse e le masimo a batho ba one ba tswang kwa Tonota ka fa tlase ga kgotla ya Mohakamme, ka jalo ke sone se ba leng ka fa tlase ga komiti ya ditlhabololo tsa motse. Mopalamente o rotloeditse banni go tsaya kgato go aga masimo a bone e se re ka moso ba thanye lomapo lo le tsebeng nako e setse e ba siile. Le fa go ntse jalo, mongwe wa leloko la komiti ya ditlhabololo, Mme Ethel Phamotse, o lekodisitse mopalamente gore ga ba na ntlwana ya boitiketso. A re ba na le kgwetlho ya seemo sa boemelo jwa dipalamo, a tlatsa ka gore seo se ba baya ka fa mosing fa ba ya Tonota. Mme Phamotse o tsweletse a re ga ba na metsi mme go na le didiba tse pedi tse ba ka nwang mo go tsone. A re kgang ya go agelela masimo a bone go itsa go jelwa ke leruo fa ba lemile, e a ba imela ka jalo o ne a tswa ka mogopolo wa gore e re le ntswa puso e ba duelela sephatlo, ba fiwe tetla ya go reka ba duela ka go kgaola madi kwa marekisetsong. Fa a araba mangwe a matshenyego a bone, Rre Olopeng o rotloeditse mowa wa boipelego, mme a itlama go tsisa ditena di le lekgolo le disanke go simolodisa kago ya ntlwana. Mokhanselara wa kgotla ya Mohakamme, Rre Gaefele Sedombo le ene o ne a itlama go tsisa koseni le lebati, fa khansele-potlana ya Tonota yone e itlamile go dira tse di setseng le banni. Mothusa mokwaledi wa khansele-potlana ya Tonota, Mme Gakelebale Gabatwesepe o tlhalositse fa kgang ya metsi e sa tlhole e le kwa khanseleng mme a supile fa a tlaa fetisetsa thomo ya bone ya letlhoko la metsi kwa khamphaningya metsi ya WUC. society 9 Mapodise a tlhotlhomisa loso lwa modisa Mapodisi a Bobonong a tlhotlhomisa tiragalo e go fitlhetsweng monna a tlhokafetse mo nageng kwa merakeng ya Lephokwe kwa Bobonong. Se se builwe ke mogolwane wa mapodisi a e seng a seaparo kwa Bobonong Assistant Superintendent Sithali Phuthego mo potsolosong. Rre Phuthego a re monna yo o tlhokafetseng yo o tlholega mo Bobonong e bile o ne a thapilwe e le modisa wa dikgomo kwa morakeng wa Lephokwe. A re dipego di tlhalosa fa moswi a ne a nyelela kgwedi ya Tlhakole e le masome a mabedi le bobedi morago ga gore a bolole le dikgomo tse dingwe fa go duwa kwa mogotlheng. Rre Phuthego a re mohiri wa moswi e rile go bona moswi a sa goroge mo lwapeng a tabogela mo Bobonong go begela ba sepodisi ka go nyelela ga mohiriwa wa gagwe. A re mapodisi ba tshwaragane le setshaba ba ne ba bolotsa letsholo la go batla moswi mme a fitlhelwa mo nageng a tlhokafetse. Rre Phuthego a re ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse go batla se se ka tswang se bakile leso la monna yo. A re maina a moswi a sa ntse a lobilwe go fitlhela ba losika ba itsisiwa. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Ba gakololwa go ipaakanyetsa kgonagalo ya merwalela Molaodi wa Kgaolo ya Bokone Bophirima Rre Keolopile Leipego a re ntswa go tshela ga noka ya Okavango go tsisa boitumelo, banni ba kgaolo eo, ba nne malala a laotswe ka go na le kgonagalo ya merwalela e e ka bakang tshenyo. O buile se ka Labobedi morago ga gore khuduthamaga ya Kgaolo ya Bokone Bophirima e tseye loeto ka difofane tse pedi go bona selekanyo sa metsi ao, le go etela motse wa Kauxwi. Loeto le ne le rotloedietswe ke bangwe banni ba ba ipitsang Project Sanitize Maun. Rre Leipego o tlhalositse fa noka ya Okavango e tshetse ka mmetela ngwaga ono mme go setse selekanyo se se kae gore e tlale mo e penologang. Molaodi o ne are banni ba kgaolo eo ka bontsi ba itshetsa ka dijo tse di tswang mo nokeng, gape e rotloetsa bojanala jo bo thusang batho ba kgaolo eo. Le fa go ntse jalo o ne a re go botlhokwa gore batho ba thuse boeteledipele ka go nna malala a laotswe ka gore noka eo fa e tlhatsa e kgona go baka ditshenyegelo mo metseng mengwe. O tlhalositse fa motse wa Etsha 13 e le mengwe ya e e amegang fa sediba sa motse oo se ka amiwa ke merwalela. Fa a rola pego ya seemo sa metsi, Molaodi wa Kgaolo potlana ya Okavango, Rre Thabang Waloka o ne a supa fa metsi a a mo Okavango a ne a le selekanyo sa 3.080 mme mafelelo a noka eo e le 3.5 ka jalo go setse selekanyo sa 0.420 gore noka eo e tlhatse mo e ka bakang merwalela. Rre Waloka o ne a supa fa kgaolo potlana eo e ipaakanyeditse seemo sa merwalela fa se ka nna teng. A re Kauxwi, Ikoga, Etsha 13, Xhakao le e mengwe ke mengwe ya e e ka amiwang ke seemo seo. Kgosi Simon Kambango wa Kauxwi o ne a supa fa go tshela ga noka ya Okavango go tsisa boitumelo mo banning ba kgaolo ya bone, bogolong jang ka ba bapala dilo di le dintsi mo e bile leruo la bone le e nwa metsi mo nokeng. O ne a re motse wa bone ga o amege thata jaaka metse e e mabapi e tshwana Xhakao. Mongwe wa bagwebi mo Okavango, Rre Guy Lobjoit wa Guma Lagoon Camp o ne a tlhalosa fa go tlala ga noka ya Okavango e le boitumelo mo go bone e le bagwebi ka ba tla a kgona go fa ditirelo di tshwana le mesepele ya mekoro. O ne a re kgwebo ya bone e na le balatedi ba bantsi mo gae le mafatshe a a mabapi ka jalo ba solofela fa seemo sa bolwetse ja COVID-19 se tla a feta gore ba boele mo kgwebong ya bone. A supa fa ba setse ba latlhegetswe ke balatedi ba kgwedi tse pedi ba ba tlosolositseng maetlo a bone, mme a re go tshela ga noka eo ke tsholofelo. BOKHUTLO. society 9 Mogapi o tla a tlhabologa Mopalamente wa Mmadinare e bile e le mothusa tona wa banana, metshameko le ngwao, Rre Kefentse Mzwinila a re motse wa Mogapi o tlaa nna le ditlhabolo tse di tlaa dirwang ka madi a a tlaa abelwang dikgaolo tsa botlhophi. Rre Mzwinila o buile jaana mo phuthegong ya kgotla kwa Mogapi ka Mosupologo. A re go tlaa atolosiwa ntlo ya borutelo ya maranyane kwa sekoleng se segolwane sa Sedimo, go alotolosiwe poso, go gokelwe metsi kwa mmarakeng gammogo le lebone la motlakase o o bogale kwa kgotleng go bo go tlhabololwe matlo a le matlhano a komiti ya ditlhabololo tsa motse. Rre Mzwinila a re ba tsweletse ka go fetola mengwe melao kwa palamenteng jaaka wa go neela tona wa merero ya setshaba, boagedi le bong, dithata tsa go neela batswakwa boagedi go lebilwe mabaka a dikgwebo tse ba batlang go di dira gore di ka sologela banni molemo jang ka motho wa go nna jalo a tlaa bo a batla go beeletsa mo lefatsheng. Rre Mzwinila a re pele, motho o ne a leta dingwaga di le some gore a bo a ka neelwa boagedi. Mothusa kgosi wa Mogapi, Rre Ishmael Ditsele a re letlhoko la mmaboipelego mo motseng le dira gore ditirelo tse di ka bong di le teng di tlhokege. Rre Ditsele a re mmaboipelego yo o kileng a bo a le teng, o fudisitswe. A re bana ba ba mo tlhokomelong ya ofisi ya boipelego ba na le lobaka ba sa bone dithuso, a tlhalosa fa bangwe ba bone ba ile kwa dikoleng kwa metseng e sele mme ba tshwanetse go duelelwa boroko le go rekelwa dijo. Mo go tse dingwe, Rre Ditsele o ne a tlhalosa fa Mogapi a ne a sena borukhutlhi ka nako e ba neng ba na le koloi e ba neng ba e dirisa le Sefophe, mme ya re e sena go tsewa, borukhuthi jwa gola. Kgosi Ditsele a re letlhoko la koloi le dira gore mapodise a palelwe ke dikgang tsa borukhutlhi ka ba tsena thari kwa lefelong la tiragalo, bosupi bo setse bo senyegile, ka jalo a kopa mopalamente go ba buelela gore ba thusiwe ka koloi. O supile gape fa tanka e e nosang motse e le nnye mme se se dirwa ke gore motse o setse o godile a bo a kopa tanka e tona le go atolosiwa ga moalo wa metsi go siela malwapa a metsi a sa gorogeng kwa go one. Mokhanselara wa Mogapi, Rre Tuelo Metseyabeng o kopile dikomiti tsa motse go tshwaragana le morafe, a re seo se ka dira gore motse wa bone o gatele pele ka ditlhabololo. O ne a kopa ba ofisi ya banana kwa Bobonong go nna ba rerisa bagogi ba Mogapi gore ba kgone go baya banana mo dinakong ka mananeo a a ba amang. BOPA politics 7 Dikotsi tsa tsela di oketsegile Mookamela mapodisi a pharakano kwa kgaolong ya Lobatse, Assistant Commissioner Omphemetse Mashiqa, a re dikotsi tsa tsela mo Botswana di oketsegile ka palo ya botlhano mo lekgolong. Fa a bua morago ga mogwanto wa go tsibosa setshaba ka dikotsi tsa tsela kwa Lobatse bosheng, Rre Mashiqa o boletse fa dipatlisiso di supa fa bontsi jwa dikotsi di bakwa ke dilo tse di ka laolwang jaaka go tabogisa koloi ka lebelo le le feteletseng, go kgweetsa motho a itshietse nnotagi le go tlhoka go obamela matshwao a tsela. O tlhalositse fa go tlhoka boikarabelo ga bakgweetsi go gakatsa dikotsi tsa tsela mo go felelang go koafatsa le go gapa matshelo a batho. A re banana ke bone ba amegang thata mo bontsing jwa dikotsi. Ka jalo o kopile banana go nna le boikarabelo fa ba kgweetsa dikoloi. O supile matshwenyego ka go bo bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba ba ne ba seyo kwa mogwantong go itseela ka tsebe molaetsa wa go hema dikotsi. Rre Onkabetse Petlwana go tswa kwa lekalaneng le le thusang ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela la Motor Vehicle Accident Fund (MVA) o tlhalositse fa go golafala le go latlhegelwa ke matshelo mo go bakwang ke dikotsi tsa tsela go ama itsholelo. A re fa motho a tlhokafetse a ne a bereka mme e bile e ne e le motlhokomedi wa ba lelwapa, lekalana la MVA le thusa go tlamela ba a neng a ba tlhokomela. Rre Petlwana a re go a tshwenya go bona bangwe ba batlhokomedi ba bana ba ba latlhegetsweng ke batsadi mo dikotsing tsa tsela ba itirisetsa madi a bana ba go nna jalo. Mothusa kgosi kwa Peleng, Kgosi Modise Senyerelo, o kopile setshaba gore jaaka go tsenwa mo malatsing a boitapoloso a papolo ya Morena, ba tseye molaetsa wa ipabalelo tseleng mme ba o kgaogane le ba bangwe. Baruti ba dikereke tse di farologaneng kwa Lobatse ba ne ba rapela gore dikotsi tsa tsela di fokotsege, ga mmogo le tiriso ya nnotagi le maikutlo a a sa iketlang. Mogwanto o ne o tsenwe ke lekgotla la baruti, mapodisi, lekgotla la BOCAIP, MVA, le ba lekalana la ipabalelo tseleng. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Badumedi ba gakololwa go nna kelotlhoko Moruti wa kereke ya ABFGAC Kwa Maunatlala, Rre Kelesitse Tshikare, o ikuetse mo basebeletsing, baporofiti le dingaka tsa setso go nna keletlhoko fa ba thusa batho ba ba amilweng ke mogare wa HIV. A re kereke e tshwanetse go ruta le go thusa batho go fetola maitsholo a bone le ka fa ba akanyang ka teng ka jaana kalafi ya HIVAIDS e ise e bonwe. O kopile batho ka bongwe ka bongwe le dikereke go di goga kwa pele mo go ruteng batho go nna le boikarabelo mo matshelong a bone. Moruti Tshikare a re mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le karolo mo go direng pharologanyo mo setshabeng. A re jaaka fa e le boikarabelo jwa mongwe le mongwe go tsaya tshwetso ka botshelo jwa gagwe, go botlhokwa go tsaya karolo mo go phatlalatseng melaetsa go ya kwa bathong ka ditsela tse di farologaneng, e ka nna go buisana ka bongwe ka bongwe, ka ditlhopha kwa ditirong kana kwa dikoleng. Moruti Tshikare a re go a swabisa go bo go santse go na le bangwe mo setshabeng ba ba sa ntseng ba na le mowa wa kgethololo le go tsaya ba ba amilweng ke mogare ka letsogo la molema a re batho ba tshwanetse go supa lerato le kemo nokeng ka nako tshotlhe . A re nako e tsile ya gore setshaba se eme nokeng puso le go rotloetsa ba ba ba amegileng go dirisa ditlamelo tse ba dineelwang ke puso ka fa tshwanelong. Moruti Tshikare o supile fa go le mo maruding a baemedi ba sepolotiki go thusana le puso go mekamekana le mokgoleo o, ka go tswa ka maano le go ikopanya le ba ba ba ikemetseng go thusa. O kopile banni ba Maunatlala go emisa tiriso botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi ka di na le seabe se se tona mo go tsenweng ke mogare le go sa obamela ditaelo tsa botsogo. A re diritibatsi le tiriso nnotagi botlhaswa di dira gore motho a nne mo seeemong se se diphatsa ka go palelwa ke go tsaya ditswetso tse di maleba mo go tsa tlhakanelo dikobo le go tsaya dipilisi kafa go tshwanetseng ka teng. religion_and_belief 8 Letlhoko la leokwane le a tshwenya Banni ba Kgalagadi borwa ba ngongoregile ka leokwane le le felang kgapetsakgapetsa mo kgaolong ya bone. Ba ntshitse ngongora mo potsolotsong le ba lekalana la dikgang la BOPA kwa Tsabong bosheng., mme ba ba supa fa leokwane le kgona go tsaya lobaka lwa beke le seo mo madirelong a lone. Mongwe wa bajanala go tswa Aferika Borwa Rre Shane Paddy, o tlhalositse fa ba na le malatsi a le mararo ba etetse mo Botswana mme ba ne ba ikaeletse go boa morago ga malatsi ao jalo ba patelesegile go nna go feta ka ntlha ya go tlhoka leokwane. Rre Tshweu Masetlane, mongwe wa bagwebi ba dipalamo tsa setshaba o kaile gore fa leokwane le seo ke poelo morago mo go bone. O supile fa ba sa kgone go tsweledisa kgwebo ya bone ya go thusa setshaba ka dipalamo le gone go dira ditiro tsa bone tsa tsatsi le tsatsi tse di tlhokang dikoloi. O tsweletse a tlhalosa fa kgwebo ya bone e le yone e ba kgonang go e itshetsa ka yone ka ba sa bereke. Rre Masetlane o supile fa e se lantlha leokwane le tlhaela mo kgaolong ya bone. Mongwe wa babereki ba madirelo a AB Spares le ene o supile fa e le boammaaruri go na le malatsi a le mararo leokwane le seo mo madirelong a bone. O tsweletse a tlhalosa fa koloi e ba tsayang leokwane ka yone e ne ya senyegela mo tseleng e ise e goroge. A re maikaelelo a bone ke go thusa setshaba ka leokwane sebe sa phiri ke dikoloi tse di sa ikanyegeng ka di senyega kgapetsakgapetsa. Mongwe wa babereki ba ba dirisang dipalamo tsa setshaba go ya tirong, o iteetse kobo moroko mafoko a ga Rre Masetlane, A kaya fa nako e leokwane le seong ba sokola fela thata ka bangwe ba bone ba nna kgakala thata le tiro. O tladitse ka go kopa beng ba madirelo a leokwane ba ba ikemetseng mo Tsabong go tlhomamisa gore ka nako tsotlhe leokwane le nna teng. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Maboka o leboga baithaopi ba mapodise Mookamela mapodise a Mochudi, Senior Superintendent Seabe Maboka, a re mowa wa kutlwelobotlhoko ke one fela o o ka isang tshaba ya lefatshe leno golo gongwe. Senior Superintendent Seabe o buile jalo kwa pulong semmuso ya ntlo kwa motseng wa Malolwane e e neng ya agiwa ke baithaopi ba twantsho borukutlhi mo lephateng la sepodise, ba motse oo. A re Bakgatla ba lesego fela thata, a supa fa kgwedi e e fetileng ba ne ba abela bangwe ntlo kwa motseng wa Dikgonnye; a kaya fa seo se supa fa Batswana ba gatetse pele mo go diragetseng letshego la tebelopele ya setshaba, la tshaba e e kutlwelobotlhoko. O ne a supa fa baithaopi bao ba mapodise ba dirile tiro e ntle fela thata a tlatsa ka gore se se itumedisang ka bone ke gore ga ba atswiwe ka madi a mantsi mme ba kgonne go agela bangwe ka bone ntlo. O ne a tshwaela gape a re ka go aga ntlo eo ba tiisitse seriti sa boora Mokgele, a supa fa ntlo e le yone selo sa botlhokwa mo botshelong jwa motho. Fa a kgothatsa bana ba ba neng ba abelwa ntlo o ne a ba gakolola gore ba seka ba phutha matsogo go emela go direlwa, a tlhalosa fa puso e na le mananeo a a farologaneng mme a ba rotloetsa go inaakanya le one go tokafatsa matshelo a bone. O tsweletse a ba kopa go tlhokomela ntlo eo a re ke mpho e tona fela thata, ka e agilwe ka mowa wa lerato, a tlhalosa fa le bone ba tshwanelwa ke go e fa lerato. Senior Superintendent Seabe o ne gape a kopa kgosi ya motse go bona gore ga go ope yo o ba amogang ntlo eo, a kaya fa go le gantsi ba masika ba na le mokgwa wa go tseela bana ditsabone. Fa a tswa la gagwe Mme Boingotlo Makakaba, yo e neng e le modulasetilo wa lekoko le le neng le aga ntlo eo ya dikamore tse pedi, o ne a tlhalosa fa ba ne ba tswa ka mogopolo o ngwaga o o fetileng, go thusa bana bangwe mo motseng ba dikhutsana go ba agela ntlo. O ne a kaya fa ba ne ba ikgolaganya le mmaboipelego yo o neng a ba batlisa bana ba ba nang le letlhoko la boroko. O tlhalositse fa ka nako eo ba ne ba tshwanela ke go ntsha madi mo dipateng tsa bone go bona gore ba simolola go aga ntlo, a tlatsa ka gore ba ne ba kopa dithuso mo bathong le dikompone ka go farologana. Mme Makakaba a re ba marekisetso a The Chemist, Builders World, Rre Segale Mokotedi, yo o neng a ithaopile go e aga le ba lebentlele la Plascon ke bangwe ba ba nnileng le seabe mo kagong ya ntlo eo, a tlhalosa fa le mokhanselara wa bone le ene a ne a ba eme nokeng dinako tsotlhe. A re ba nnile le kgwetlho ya letlhoko la metsi, a tlhalosa fa seo se ne sa seka sa ba kgoba marapo ka ba ne ba eletsa go bona ntlo eo e fedile. E ne ya re gole pele, fa a amogela baeng, Kgosi Esron Bogatsu a supa fa mowa wa boithaopo o le teng mo motseng wa gagwe, a kaya fa le ene o mo kgotsofatsa fela thata. A re baithaopi bao ba dirile tiro eo e le bomme fela ba le boferabobedi ba sa ipone tsapa, a supa fa seo e le mowa o montle fela thata mme a ba rotloetsa go tswelela ba dira jalo. BOKHUTLO society 9 Mapodisi a tsibosa setshaba ka bogodu jwa dikoloi Banni ba Tsabong le metse e mabapi ba tlhagisiwa ka bogodu jwa dikoloi tsa puso jo bo tsweletseng ka go gola mo lefatsheng leno. Tlhagiso e, e builwe ke Rre Joshua Ntau o e leng mogolwane mo lekalaneng la sepodisi le le inaakantseng le melato e e tseneletseng mo phuthegong e a neng a e buisa mo Tsabong bosheng. A re e le mapodisi ba tsibogile ka pele go tla mo Tsabong morago ga ditlhotlhomiso di ba itsise fa magodu a ithulagantse go tla go utswa dikoloi tsa puso nako nngwe le nngwe. Go le pele fa a amogela bagolwane mo phuthegong eo mothusa molaodi mo Kgalagadi Rre Innocent Maotwe o rotloeditse botlhe ba ba amegang go tsaya molaetsa oo ka tlhoafalo ka go nna le seabe mo pabalesegong ya dikoloi tsa puso. O supile fa maikaelelo a sepodisi e le go tlhaba setshaba podi matseba ka bogodu jwa dikoloi tsa puso. Mo phuthegong eo, baeteledipele ba maphata a puso, ofisi ya ga molaodi, mapodisi, sesole, badisa dikago ga mmogo le setshaba ka kakaretso ba gakolotswe go nna podi matseba ka seemo se sa bogodu le go tla ka ditsela tsa go hema tshenyo e. Rre Ntau a re bogodu jwa dikoloi tsa puso bo remeletse thata mo mafelong a a gaufi le terata ya molelwane ka magodu ba utswa ka maikaelelo a go rekisa kwa mafatsheng a sele. O supile fa bogodu jwa nako eno e le jo dirukutlhi di ithulagantseng, ka jalo a gakolola setshaba go nna podi matseba, go ela tlhoko le go tsibosa sepodisi se se gaufi le bone ka bonako fa se bona ditiragalo tse di belaesegang. Le fa go ntse jalo Rre Ntau o tlhagisitse phuthego eo gore ope yoo ka fitlhelwang a na le seabe ka tsela epe fela mo go utswiweng ga dikoloi tsa puso a tlaa tseelwa dikgato tse di gagametseng. Rre Ntau a re setshaba bogolo jang batlhokomedi ba dikago le dthoto tsa puso ba tshwanetse go netefatsa gore dilotlole tsa dikoloi tsa puso di babalesegile pele ba golola mo mmerekong. O ne gape a gakolola bakgweetsi mo maphateng a puso go baya dikoloi tse ba di dirisang sentle le go di babalela ka puso e sena madi go reka dikoloi. “Go bereka o le mokgweetsi ke tiro e e duelelwang e bile e tlotlwa, ka jalo boikarabelo jwa tlhokomelo ya koloi bo tshwanetse jwa simolola ka mokgweetsi,” a bolela. Rre Ntau a re magodu a tshela fa gare ga setshaba, ka jalo ke boikarabelo jwa sone go thusana le puso go babalela ditlamelo tsa yone. O ne a gakolola badisa dikago go tlhomamisa gore ba lotlela kgorwana ya lefelo la dikoloi. Rre Ntau a re o tshwenngwa ke diemo tse di begwang kwa maphateng a puso, a tlhalosa fa badisa dikago bangwe ba supilwe ba robala mo tirong. A re seemo se se baya matshelo a bone mo diphatseng. O ne a gakolola badisa dikago go tsaya tiro ya bone ka tlhoafalo ka ba filwe boikarabelo jwa go tlhokomela dithoto tsa puso tse bontsi jwa tsone di lopileng madi a mantsi ka jalo ba ikitaye ka thupana go netefatsa fa ba dira tiro ya bone ka manontlhotlho. O tsibositse bakgweetsi go nna kelotlhoko ka nako tsotlhe fa ba tsaya maeto ka bogodu jo bo kgona go diragala ka nako nngwe le nngwe gongwe le gongwe. O ne a tlatsa ka go gakolola setshaba gore e re fa ba tlhasetswe ke magodu ba kgaratlhele pabalesego ya bone pele ga ba itsese ba sepodisi ba ba gaufi le bone. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Maele o rotloetsa banni go tlhabolola ditsha Tona wa ditsha le matlo, Rre Prince Maele, o kopile banni ba Mahalapye go tlhabolola ditsha tsa bone tsa bonno. E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Mahalapye bosheng, Tona Maele a itsisi banni gore ba tsile go fiwa sebaka sa go bidiwa gore ba ntshe mabaka a gore ke eng ba sa tlhabolola ditsha tsa bone mme ba boe ba fiwe sebaka se sengwe gape. O ne a tlhalosa gore fa ba ka fiwa sebaka sa bobedi ba ntse ba sa tlhabolole ditsha tsa bone, jaanong di tsile go gapiwa mme di fiwe ba bangwe ba ba di tlhokang. A re ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe go nna le setsha mme fa a sa tsamaelane le melao e e beilweng ditsha tseo di tlaa tsewa, a tlatsa ka gore lephata la gagwe le ikemiseditse go ba fa sebaka sa go tlhabolola ditsha tseo. A re fa gongwe batho ba fa mabaka a gore ba paledisiwa ke go tlhoka ditlamelo di tshwana ditsela, metsi kgotsa motlakase mme ke ka moo ba sa kgoneng go tlhabolola ditsha tsa bone. Tona a re o tlaa ikopanya le maphata a a tshwanetseng gore bogolo go lekwe go dirwa ditirelo tse di potlana kwa ditsheng tseo di tshwana le tsela ka tse dingwe gongwe di ka tswa di tura gore batho ba tle ba kgone go tlhabolola ditsha tsa bone. O ne a tlhalosa gape gore motho o kgona gore fa a sa kgone go tlhabolola setsha ka nako e e beilweng a ikopanye le ba lephata la gagwe mme a buse setsha seo. Rre Maele a re se, se ka fa tsamaisong e bile motho wa go nna jalo o kgona go tla go bona setsha gape nako e jaanong a se tlhokang. A re go le gantsi batho ka bontsi ba feletsa ba rekisitse ditsha tsa bone ka ntateng ya go supa fa ba sena se ba ka tlhabololang ka sone, a re se se tshwenyang e le gore ba rekisetsa bogolo thata batswakwa. O ne a ba tlhagisa gore tlhwatlhwa ya lefatshe mokgwa wa lone e gola ngwaga le ngwaga, a kaya gore fa ba rekisa ka madi a a kwa tlase bone batho ba ba ba rekisetsang bao ba feletsa ba le rekisitse ka madi fela a a kwa godimo. Rre Maele a re setsha se na le morokotso fela o motona, mme e bile madi a teng a gola mo go makatsang ka jalo bogolo ba di busetse kwa lephateng la kabo ditsha gore di fiwe Batswana ba bangwe. A re se se diragala thata e mo metseng e tshwana le Mahalapye le tikologo, mme a kopa batho go emisa mokgwa o. Mo go tse dingwe tona o ne a re lephata la gagwe le kolotiwa madi fela a a tsistibanyang mmele ke batho ba dikgwebo, dikereke le ba bangwe mme a kopa gore lephata la gagwe le duelwe. A re ditsha tse di a duelwa mme batho ba kgona go nna fela dingwaga ba sa duele mme e bile o batla go ikopanya le maphata a a lebaneng gore batho ba go nna jalo ba seka ba letlelelwa go shwafatsa diteseletso tsa bone ka ba kolota ditsha tsa go nna jalo. Tona a re ke molato fela o motona ka ga se gore ba kolota fela lephata mme ba kolota puso. Rre Maele a re ba tshwentswe ke batho bangwe gape ba ba lwelang ditsha tsa batsadi ba bone mme e le bana ba motho. A re dikgang tsa mofuta o di dinitsi fela thata mme ka jalo a kopa batsadi gore molao o letla gore ba kgona go kwala maina a bana ba bone bo setlankaneng go fema dikgang tsa mofuta o fa ba setse ba tlhokafetse. Fa a bua ka dikgang tsa bomaipaafela, Rre Maele o ne a gakolola banni gore ga go ka fa molaong gore batho ba iphe lefatshe ba sa beiwa ke lekgotla la kabo ditsha. E ne e rile gole pele motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato yo mogolwane mo Mahalapye Kgosi Duncan Segotsi a tlhalosa fa batho ba sa tlhabolole ditsha tsa bone ka go sena ditlamelo di tshwana metsi, ditsela le motlakase. Kgosi Segotsi o ne a gakolola ba lephata la ditsha gore a b aka se ikopanye le ba maphata a a lebaneng go bona gore ba ise ditlamelo kwa ditsheng tsa g nna jalo gore batho bat le ba kgone go tlhabolola. A re o lemogile gore se, ke sone se tsenyang boitseme mo bathong ka motho o felela a itsapa go tlhabolola mme a felele a rekisitse gore bogolo se seka sa gapiwa. Kgosi one a lekodisa tona gape gore ba tshwenngwa ke bogodu jo bo golelang pele kwa kgaolwaneng ya Mmadipheretha ka e sa tlhabologa mme e tletse bomaipaafela, go tshwana le bone bogodu ba motlhaba. O ne a kopa gore ba motlhaba bone ba utswa le bosigo ntswa bas a tsaya diteseletso kwa lephateng le le lebaneng. Kgosi Segotsi gape o ne a ngongorega ka matlotla a a tletseng mo Mahalapye a re a tsala magodu, ga mmogo le bo maipaafela ba ba kwa motseng wa Mokoswane mo kgaolong Mahalapye. society 9 Kumakwane o lela ka matlakala Banni ba Kumakwane ba lela ka matlakala a a latlhelwang mo motseng wa bone ke bahiti ka tsela. Kgosi Tommy Seboni a re batho ba ba fetang ka tsela ya Kumakwane, ba na le seabe mo go latlheleng matlakala mo ditseleng. O tlhalositse fa seemo se, se sa ba itumedise. Mo dikgannyeng tse dingwe, kgosi o tlhalositse fa a itumelela mananeo a puso, mme sebe sa phiri ke gore dithuso tsa teng di bonya jo bo feteletseng. Kgosi Seboni o ne gape a kopa go batlelwa mothusi mo kgotleng, yo e tlaa reng fa a ile go dira ditiro tse dingwe tsa morafe, ene a sale a tsweledisa ditsheko. Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Frans Van Der Westhuizen, o ne a ile go lekodisa banni ba Kumakwane ka mananeo a ba-na-le bogole. A batho ba ba sa kgoneng go itirela sepe gotlhelele ba tlaa atswiwa ka P300 kgwedi le kgwedi, mme go tlaa neelwa fela ba ba kanokilweng ke ba boipelego. Mothusa tona a re le ene o tshwennngwa ke batho ba ba utswang motlhaba kwa Kumakwane. A re fa ba tshwarwa, ba atlholwa madi, mme go lebega katlholo ya madi e sa ba tshwenye, ka ba nna ba tswelela ka go o utswa. Rre Van Der Westhuizen o tlhalositse fa ba tlaa sekaseka dikatlholo tse di leng teng, go bona gore ba ka se tswe ka tse di gagametseng. O ba kopile gape go netefatsa gore boikarabelo jwa bone jwa go tlhokomela tikologo ga bo felele mo malwapeng a bone, mme ba seka ba iteba ba le nosi ba lebe lefatshe. Mo go tse dingwe, tona o tlhalositse fa puso e solofela gore batho ba ba filweng dipodi pele, ba nne mo seemong sa go rekisetsa ba ba di tlhokang, mme a supa fa go supagala fa go na le tlhaelo ya dipodi mme se se dire gore ba ba di kopileng ba tseye nako e telele ba ise ba thusiwe. Fa ba mo kgwa kgaba, banni ba supile fa ba na le mathata a magolo a lenyora. Mme Kesego Sesiro o ne a tlhalosa fa ba na le dikgwedi tse nne ba sena metsi mo motseng wa bone, a tlhalosa gore fa a nna teng, a tswa bosigo fela. Bangwe ba kopile gore go tshwarwe dikoloi tsa batho ba ba utswang motlhaba, fela jaaka fa go gapiwa phologolo le didirisiwa fa motho a e utswile. Ba supile gape fa molapo wa Kolobeng o kgotlelesegile, ka baruti ba dikereke dingwe ba phalaletsa mo go one, fa batho bangwe bone ba latlhela matlakala teng. Ba galaleditse Rre Van Der Westhuizen, ba supa fa a ba lekola kgapetsakgapetsa, mme ba mo kopa go tlisa pharologanyo mo dilelong tsa bone. BOKHUTLO health 6 Masalela o santse a anwa FAP moro Puso e tswa kgakala e tshwere ka natla go dira mananeo a a farologanyeng a maikaelelo a one e leng go bona gore seemo sa itsholelo sa Batswana se a tokafala. Lengwe la mananeo a puso e setseng e a dirile mo malobeng go thusa Batswana go intsha mo lehumeng ke la Financial Assistance Programme (FAP) le Mme Gabodirelwe Masalela wa moroki a le akotseng. Fa a bua mo potsolotsong, Mme Masalela wa Palapye a re morago ga gore puso e mo thuse ka P65 000 go reka didirisiwa tse di rokang kapari ka 2001 ka lenaneo la FAP, o ne a itlama gore o tlaa pepetletsa kgwebo ya gagwe mme e bile a emelane le kgwetlho nngwe le nngwe e a kopana le yone, kgang kgolo e le go bona gore botshelo jwa gagwe bo a tokafala. Mme Masalela yo o dingwaga di masome mane le bobedi a re mo dingwageng tse di kwa morago kgwebo ya gagwe e ne ya wela tlase ka ntata ya go tura ga lefelo le a neng a direla kgwebo mo go lone mme a seka a latlhela seditsi. E re ka go twe maano a botshelo ga a site, Mme Masalela a re tshwetso mo kgwetlhong e a neng a kopane le yone ya nna gore a dirise lefelo la gagwe la bonno go direla kgwebo mo go lone, selo se a tlhalositseng fa se mo thusitse go tsepama mo lenaneo mme e bile a supa fa kgwebo e dira sentle. A re go fudusetsa kgwebo mo lapeng go mo thusitse gore a kgone go boloka lemme kwa bankeng le a neng a le dirisa go duela lefelo le a neng a direla mo go lone pele. Mme Masalela yo kgwebo ya gagwe e itsegeng ka leina la Kanemo Fashion Design o itebagantse le go roka kapari e tshwana le ya manyalo, sekole, dikhwaere, meletlo e e faphegileng le e moreki a ka eletsang go e roka. O supile fa botsipa le botswere jwa go roka kapari a bo amule kwa Palapye Technical College e ka nako eo e neng e bidiwa Palapye Vocational Training Centre fa a dira dithuto tsa Fashion and Fabrics. O iteetse puso legofi go bo e rotloetsa mananeo a e a ntshitseng go tlhabolola matshelo a batho, a supa fa dinako dingwe khansele potlana ya Palapye e mo fa sebaka sa go segela baithuti ba batlhoki le masiela mo dikoleng tse dikgolwane kapari ya sekole, selo se a kaileng fa se dira gore kgwebo e gole. O tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e e nang le dingwaga di le lesome le borataro e dira, e fetotse botshelo jwa gagwe go menagane, a supa fa a kgona go tlhokomela ba lelapa la gagwe le go ba agela fa ba bayang tlhogo teng. Lenaneo la FAP le kgonne go fetola matshelo a badiri ka ene ba le bararo ba a ba thapileng mme seo se netefatsa gore maitlamo a puso a go tlhamela Batswana ditiro ka mananeo a atlega. Mme Julia Thebe wa Radisele yo e leng modiri wa Kanemo a re o itemogetse phetogo ya botshelo morago ga go bereka le Mme Masalela. A re go le pele o ne a bereka dikhamphani ka go farologana mme a sa kgone go tsaya lebaka golo go le gongwe fela, sebe sa phiri e le go bo bogogi jwa dikhamphani tseo bo ne bo sena tirisano mmogo e e lolameng. A re mohiri wa gagwe mo bogompienong, o dirisana le bone sentle mme e bile lemme la bone ba le bona ka nako, selo se a tlhalositseng fa le bone se ba thusa go tlamela ba malapa a bone ka nako e e tlhokafalang. Mme Thebe yo o dingwaga di masome mabedi le boraro o kaile fa e setse e le ngwaga wa bone a bereka le Mme Masalela mme go sena makgwere ape fa a tshwantshanya le kwa a neng a direla teng pele. Fa a tswa la gagwe, Mme Kemmonye Molosiwa yo le ene e leng mongwe wa badiri ba ga Mme Masalela, a re ba ba nnileng le lesego la go akola mananeo a puso go mo maruding a bone go bona gore ba tlhabolola matshelo a ba bangwe ka go ba tlhamela ditiro. Mme Masalela o kgadile a sa kgwe mathe ba ba akotseng mananeo a puso mme kwa pheletso ba phuaganye dikgwebo fa ba kopana le dikgwetlho, a supa fa kgwebo e tlhokana le bopelotelele, lerato le tirisanyo mmogo magareng ga mogwebi le bareki gore e kgone go gatela pele. Ends politics 7 Bogosi bo a tsalelwa - Mosielele Kgosi Osca Mosielele wa Moshupa o supile fa kgosi e le motho yo o tsetsweng batho ba itse gore ke kgosi. O buile jaana kwa thuto-puisanyong ya dikgosi kwa Takatokwane, e maikaelelo a yone e neng e le go ba lemotsha ka ditiro tsa bone le bahumagadi ba bone. Kgosi Mosielele o supile fa bogosi bo feta dikakanyo tse batho ba nang natso, a bo a supa fa kgosi e le kgosi ka morafe. Kgosi o supile fa dikogsi di rotloetsa batho gore ba ijese, a supa fa melao yotlhe ya puso e direlwa kwa kgotleng. O boletse gape fa mong wa bogosi a sa batlwe, mme a bonwa ka botho jwa gagwe. Kgosi Mosielele o tlhalositse fa kgosi a bereka le a le kwa lwapeng, a supa fa mong wa bogosi a swela morafe wa gagwe. O boletse fa dikgosi di sena makgotla a babereki. Kgosi o ngongoregetse gore bogosi ga bo tsewe tsia, mme dikgosi dingwe ke tsone di tlhotlheletsang gore bogosi bo seka jwa tsewa tsia, a supa fa dikgosi di na le ka fa di kalang tiro ka teng, a bo a tlhalosa fa dikgosi di neetswe boikarabelo jwa go buelela batho. O tlhalositse fa ditsheko di le masome a a robang bobedi le botlhano di sekwa kwa makgotleng a Setswana, fa di le lesome le botlhano fela di sekwa kwa ga mmakaseterata. Kgosi Mosielele o tlhalositse fa go na le tshosologo kwa kgotleng, a supa fa go buiwa tse di botlhokwa tse di amang morafe kwa kgotleng, a bo a tlhalosa gore fa kgosana a ka iphitlhela a ngangisana le kgosi ka dilo tse di tlhamaletseng a itse gore go na le mathata. O ba tlhaloseditse gore kgosana ga se kgosi, a bo a ba kopa go ne ba tshwara lebatla go lekola morafe. O ba kopile go ithuta go kgaoganya nako, a supa fa dilo di kgweleaganngwa ke go tlhoka go tsaya tshwetso ka bonako. Kgosi o boletse fa dikgosi di ka seke tsa lebega sentle fa ba sena bahumagadi, a supa fa mohumagadi a tshwanetse go tlhokomela monna wa gagwe gore a kgone go dira tiro ya gagwe ka botswapelo. O tlhaloseditse bahumagadi fa banna ba bone ba tlhoka tshidilo maikutlo e e faphegileng ka jaana ba rwele mathata a batho. Kgosi Michael Molefe wa Kopong o ne a tlhalosa fa bogosi bogologolo bo ne bo tlhokomela lefatshe bo le laola, a supa gore fa moeng a ne a tsile mo motseng o ne a begwa kwa kgotleng, mme fa a kopa lefatshe kgosi e ne e le ene a laolang gore a bewe fa kae. O tlhalositse fa dikgosi tse tharo e le tsone di kopileng tshireletso kwa go Mmamosadinyana, ke sone se Batswana ba tshelelang mo kagisong e ba e akolang le jaana. Kgosi o boletse fa morafe o ne o aga difalana, matamo le go lemela kgosi, mme e re fa go le leuba kgosi a thuse ba ba wetsweng ke mopalo ka dijo tse di mo difalaneng. Kgosi Molefe o tlhalositse fa pelo ya kgosi e le mo seatleng sa Modimo, a supa fa dikgosi tsa pele di ne di dira ditiro tsa boithaopo ka morafe. O tlhalositse fa bogosi gompieno bo sala molao morago, a supa fa ba ka seke ba pateletsa motho go dira tiro a sa batle. O tlhalositse fa kgosi wa gompieno a tshwanetse go itse go bala le go kwala ka jaana gompieno a kgona go sekisiwa a bo a atlholwa fa a tlodile molao. Le fa go ntse jalo, batsena thuto-puisanyo eo ba ne ba supa fa ba e itumeletse, ba supa gore jaanong ba tlhaloganya go itse gore ba bereka go tswa fa kae go ema fa kae. BOKHUTLO society 9 Botswana Railways e bulela mesepele ya diterena "Ba Botswana Railways ba buletse mesepele ya diterena, morago ga gore e emisiwe terena ya dithoto e sena go fapoga mo seporong kwa Dibete, ka Mosupologo (Mopitlo 16), makuku pele ga nako ya bongwe. Se se rurufaditswe ke moanamisamafoko wa Botswana Railways, Rre Sakaeyo Baitshepi, mo potsolosong le BOPA, ka Labobedi. Rre Baitshepi o netefaditse gore paakanyo ya seporo e wetse a tlhalosa gore mesepele ya diterena jaanong e buletswe morago ga go tlhatlhoba seporo. Tiragalo e, a re e ne ya bakiwa ke gore tlhogo ya terena ya BR 410, gammogo le letoroko, le le lengwe la yone di fapoge mo seporong, e le mo tseleng go tswa Francistown e ya Mafikeng, kwa Afrika Borwa. Terena e, Rre Baitshepi a re e ne e ne e sa rwala dithoto dipe fa kotsi e diragala. O tlhalositse fa tiragalo e, e bakilwe ke gore makgaogano a seporo fa diterena di fapaanang teng a ne a sa tswala sentle fa terena e tla go feta fa go one. ""Go lebega e rile fa e tsena fa le, e bo e fitlhela makgaogano a seporo a sa tswala gotlhelele. Go raya gore maotwana a a kwa pele a bo a tsaya mola o mongwe, a a kwa morago le one a bo a tsaya mola o sele,"" ga tlhalosa Rre Baitshepi. Ka lesego, moanamisa mafoko wa Botswana Railways a re kotsi e, ga e a baka tshenyego epe e e kalo mo tlhogong ya terena gammogo le letoroko, a tlatsa ka gore matoroko a mangwe a terena one a ne a seka a fapoga mo seporong. O tlhalositse gape fa se se senyegileng e le seporo, ‘mme le sone ga re bone se senyegile mo go kalo, go thubegile moalo sekgele sa dimethara di ka nna masome a supa le botlhano."" Morago ga tiragalo e, a re ba Botswana Railways ba ne ba tsaya tshwetso ya go nama ba emisitse mesepele ya diterena go fitlhela paakanyo ya seporo e wela. A re babereki ba Botswana Railways ba ne ba potlakela kwa kotsi e, e diragaletseng teng, mme ba lala ba baakanya seporo bosigo jotlhe jwa Mosupologo go fitlhelela ka Labobedi (Mopitlo 17), mo mosong. " disaster_accident_and_emergency_incident 2 Bangwato ba gopola Kgosi Tshekedi Khama Bangwato ba Pilikwe e rile ka Matlhatso ba bo ba tshegeditse moletlo wa go ipelela letsatsi la motshwarelela bogosi jwa Ga-Mmangwato wa pele Kgosi Tshekedi Khama. Rre Diphimotswe Koloi o bolotse fa Kgosi Khama a berekile le dikgosi tse dingwe tsa lefatshe leno mme ba nna le seabe mo go tsiseng kgololesego mo mafatsheng a SADC a tshwana le Namibia, Lesotho, Zimbabwe le Swaziland. A re Kgosi Khama o ne a bereka ka thata go letlanya Bangwato fa go na le dikgobero. Rre Koloi o bolotse fa Kgosi Khama a tsene sekole se sebotlana sa Khama Memorial. “Ke tsamaile le ene botshelo jwa gagwe go ya go tsena ka lebaka le a ileng a simolodisa kago ya dikolo mo dikgaolong tsa bo Nata. Ke sone se o boneng dikolo di aname go simolola mo kgaolong ya ga mmangwato go fitlha ko bo Nata” a bua jalo. A re Kgosi Khama o ne a phutha mophato mme ba aga sekole sa Moeng College se se setseng se alositse barutegi ba tlhwatlhwa bangwe ba bone e setse e kile ya nna baeteledipele ba lefatshe leno jaaka tautona wa boraro wa Botswana, Rre Festus Mogae. O kaile fa ka thuso ya mohumagadi wa gagwe, e bong Ella Khama yo o neng e le mooki, Kgosi Khama a ne a tsaya karolo mo kagong ya kokelwana ya Pilikwe. Rre koloi a re Kgosi Tshekedi o ne a simolodisa mokgatlho wa Bangwato Development Association ka 1958 ko Pilikwe morago ga go tsaya malebela kwa lefatsheng la Rhodesia. Mopalamente wa kgaolo eo, Mme Dorcas Makgato a re moletlo wa go ipelela letsatsi la ga Kgosi Tshekedi Khama o tshwanetse go tokafadiwa go supa fa e ne e le mogaka yo o diretseng Bangwato le Batswana ka kakaretso ka botswapelo mme ebile a tshepisa Bangwato gore o tla tsaya karolo mo go tokafatseng moletlo oo. A re Kgosi Tshekedi Khama e ne e le motho yo o neng a itlhaloganya, e le senatla, e le motho yo o nang le maikaelelo a go bereka ka thata, a dirisa tlhaloganyo le maatla a gagwe. “Keletso ya me ke go bona lefatshe la rona le kwatabolola mo go Kgosi Tshekedi Khama gore le tswelele pele ka e ne e le motho yo a neng a dumela mo go berekeng ka natla le mowa wa go ipelega” a bua jalo. A re ga go a lekana gore Bangwato ba ipelele Kgosi Khama, mme a supa fa ba tshwanetse go gata mo motlhaleng wa gagwe ka go dira ditiro tse a di dirileng e le tsela nngwe ya go supa serodumo sa gagwe. Mme Makgatho o kaile fa keletso ya gagwe e le go bona go kwadilwe buka ka ditso tsa ga Kgosi Khama, selo se a tlhalositseng fa se ka gwetlha dikokomane go gata mo motlhaleng wa gagwe. O supile fa Kgosi Khama a ne a na le bokgoni jwa go aga setshaba mme e bile a rotloetsa mowa wa popagano, ke ka moo a kgonneng go aga kokelwana le sekole kwa Pilikwe. Mme Makgatho o kopile Bangwato go bopagana mo go somareleng serodumo sa ga Kgosi Khama, mme a ba gwetlha go ikopanya le ba lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao go kopa dithuso. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Gasebalwe Seretse wa Pilikwe o ne a supa fa Kgosi Tshekedi Khama le kgosikgolo waa pele wa Bangwaketse e bong Kgosi Bathoen II e ne ya nna bangwe ba dikgosi tse di lwetseng lefatshe la Botswana, ka jalo a supa fa Bangwato le Batswana ka kakaretso ba sa dire mo go lekaneng go lemoga dikgosi tseo. “Re na le go lebala sengwe, re bua thata ka dikgosi tse tharo tse di neng tsa ya go kopa tshireletso kwa ga Mmamosadinyana, mme re lebala dikgosi tse di neng tsa tshwara lefatshe la Botswana morago, ebong Kgosi Tshekedi Khama le Kgosi Bathoen II,” a bua jalo. Moemedi go tswa kwa lelwapeng loora Khama, Rre Ogaisitse Khama a re Kgosi Khama e ne e le mogaka yo o diretseng lefatshe la Botswana le Afrika ka bophara ka bonatla le botswerere mme mo bogompienong Bangwato ba mo diretse phoso ka go tlhoka go mo tlotla le go mo fa tshwanelo ya gagwe. Dingwe tsa ditso tse di kwadilweng tse Kgosi Khama a itsegeng ka tsone ke go bo a kile a kgwathisa motho mosweu Phineas Mclntosh ka dingwaga tsa bo 1930 morago gore a tlhoke go itsaya sentle kwa Serowe. Kgosi Tshekedi Khama e ne e le motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato go simolola ka 1926 go fitlhelela a tlhokafala ka 1959, a tshwareletse Kgosi Seretse Khama yo e bileng e ne e le tautona wa ntlha wa lefatshe leno. Kgosi Tshekedi Khama o tshotswe ka 1905 kwa Serowe e le ngwana wa ga Kgosikgolo Khama III le Mme Semane. O tsene sekole se sebotlana kwa Serowe Public School go simolola ka 1912 go fitlha ka 1916, mme morago a ya go dira dithuto tse dikgolwane kwa Lovedale College ka 1917 go fitlha 1921. O ne a tsweledisa dithuto kwa South African Native College kwa Fort Hare go simolala ka 1923 go fitlha ka 1925. Kgosi Tshekedi Khama o ne a tsena mo nyalong le Mme Ella Moshoela ka 1938 kwa Mafikeng, mme ba segofadiwa ka bana ba le batlhano ebong Leapetswe Khama, Sekgoma Khama, Semane Khama, Modiri Khama le Mphoeng Khama. BOKHUTLO politics 7 Thuto ya motheo e ntsha maduo kwa dikoleng Mothusa mogokgo wa sekole se sebotlana sa Tloaneng, Mme Elizabeth Montsheng a re thuto go tswa kwa moding e botlhokwa e bile e tsweletse ka go ntsha maduo kwa dikoleng tse dipotlana. Mme Montsheng o tlhaloseditse A re dithuto tse, tse di tsenwang ke bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse tlhano, di bula bana ditlhaloganyo ga mmogo le go ba baakanyetsa mophato wa ntlha a tlatsa ka gore bana ba nna le sebaka sa go tlwaela sekole le go itse gore kwa sekoleng go diragala eng. O tlhalositse fa pele go ne go le dingalo fa ngwana a simolola mophato wa ntlha a ise a dire dithuto tse. A re bana ba ne ba tsaya lobaka go tlwaela barutabana, sekole ga mmogo le baithuti ba bangwe, mme se se ba die go tsweledisa dithuto tsa mophato wa ntlha. Dithuto tse a re di aga boitsholo jwa bana ebile di aga mowa wa go itshepha ga mmogo le go tlwaelana le baithuti ba bangwe. A re mo dithutong tsa letsatsi, ba nna le metshameko e e farologaneng mme se se ba itumedise. A re sekole sa gagwe mo nakong ya gompieno se na le bana ba le masome mabedi le boferabongwe ba mophato oo, palo e a reng e siame ka bana ba tshwanetse ba nna masome mararo mo ntlwaneng ya borutelo. Le fa go ntse jalo, a re ba lebanwe ke dikgwetlho jaaka go tlhoka ntlwana ya borutelo ya mophato oo mo ba dirisang ntlo lehalahala a re le matlwana a boitiketso a matona mo go bone mme se se borai. A re ka ba sa ntse go se na ntlwana ya borutelo, bana ga ba kgone go ithuta dikhomputara ka go sa babalesega gore di ka nna kwa ntlo lehalahala. Morutabana wa dithuto tse, Mme Gaamangwe Monamodi a re go ruta bana ba mophato oo go dingalo mme go batla bopelotelele le lorato. A re go botlhokwa gore barutanaba ba ba fe lorato lwa setsadi ka go lekana gore ba nne ba gololesegile ka dinako tsotlhe. A re le fa ba lebala ka pele, o tlamega go ba gakolola kgapetsa kgapetsa gore ba tshware mme a dira jalo a sa ba felele pelo. Mme Monamodi a re o tlamega go ba kaela gore ba tshwanetse ba dira jang e seng go ba bolelela fela ka molomo gore ba tshware ka bonako. A re ba itlama go tswelela ba ruta bana thuto e e maleba, e le bontlha bongwe jwa maikaelelo a bone a go tswelela ba dira sentle mo dithutong tsa mophato wa bosupa. A re e sa le ka 2002 sekole sa Tloaneng, se dira bontle mo mophatong wa bosupa mme le mo nakong ya gompieno, se tsweletse fela jalo. education 4 Morutabana ke pinagare Tona wa Papadi le Madirelo, Mme Dorcas Makgato- Malesu a re morutabana ke pinagare ya thuto. Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela maduo a mantle a bana ba sekole se segolwane sa Mosikari kwa Machaneng ka Labotlhano, Mme Makgato-Malesu a re kwa ntle ga barutabana ga gona sepe se se ka diragalang ka e le bone ba ba ka bopang bokamoso jwa bana. O tlhalositse fa morutabana a ka dira gore ngwana e nne sekgantshwane mme e bile a ka kgona go bolaya bokamoso jwa gagwe. A re se se raya gore bana ba kopa se se dirwang ke morutabana. Mme Makgato-Malesu o tsweletse a re fa morutabana a sa itshware sentle le bana ba a ba rutang ba ya go nna jalo. A re go nna morutabana ga go felele fela mo ntlung ya borutelo ka jalo morutabana ke mogakolodi, motsadi, lepodisi le tse dingwe mme tsotlhe tse di dirwa ke morutabana yo o matlhagatlhaga. Mme Makgato-Malesu o boletse fa go ipelela maduo e le selo sa botlhokwa ka gore ke thotloetso mo baneng ka ba tswelela ba dira ka botswerere jo bo kwa godimo. O ne a akgolela mogokgo wa sekole sa Mosikari le badiri ka ene go tswelela ba dira kabo dimpho ngwaga le ngwaga ka botswapelo a bolela fa se e le mowa wa boithaopo o puso le yone e o rotloetsang. A re barutabana ba sekole seo ba supile fa ba na le kgatlhego mo dithutong tsa bana ba bone le gone go direla lefatshe la bone. Fa a itebaganya le batsadi, Mme Makgato-Malesu o ne a ba lebogela go sa ipona tsapa go tla go ipelela maduo a bana ntswa bangwe ba bone bana ba bone ba sa amogele dimpho. A re seo ke yone thotloetso e e tlhokiwang mo kgodisong ya thuto ya bana. A re go fenya ga se ga baithuti kana barutabana fela mme botlhe ba tshwanetse ba nne le seabe mo thutong ya bana. Mme Makgato-Malesu o ne a tlhalosa gore bokgoni jwa ngwana ga bo a remelela mo ditlhakeng fela ka ba bangwe ba abetswe mo metshamekong, botaki le tse dingwe mme ba tshwanelwa ke go rotloediwa ka go bona gore ba ya ikatisong le dikgaisanyong ka nako tsotlhe. Mme Makgato-Malesu o ne a gwetlha barutabana ba sekole sa Mosikari go tshwara ka natla gore e re maduo a tswa ba bo ba itshwara molomo. A re tsotlhe tse di akantsweng go dirwa go tokafatsa maduo di tshwanetse di dirwe mme ke gone ntwa e ka fenngwang. O ne a amogela fa go na le dikgwetlho tse di lebaganeng barutabana di tshwana le letlhoko la boroko, go berekela ruri mo dikgaolong, dituelo, tlhatloso maemo, go ikoketsa dithuto le tse dingwe mme fa barutabana ba ka remelela mo go tsone di ka sulafatsa tiro mme maduo a mantle a pale. Mogokgo wa sekole sa Mosikari Mme Diane Habangana o ne a bolela fa sekole sa gagwe se dira sentle mme maduo a sone a supa fa e rile go simolola ka ngwaga wa 2008 maduo a bo a simolola ka 73% go ya kwa go 78.9%. A re ba dira ka natla go fitlhelela maitlamo a bone a 88% mme ka tshwaragano ya botlhe bana le seabe ba ka fitlhelela se. A re barutabana ba sekole sa gagwe ba leka ka bojotlhe go aga botho jwa ngwana ka ditsela tsotlhe mme maiteko ao a folodiwa ke boitshwaro jwa bana bangwe jo bo sa kgatlhiseng. education 4 MVA e ikuela mo dikerekeng Mogolwane wa ko lekalana la Motor Vehicle Accident (MVA) Fund, Rre Onkabetse Petlwana o ikuetse mo dikerekeng go rapela kgatlhanong le dikotsi tsa tsela tse di tsweletseng ka go gapa matshelo a batho ba le bantsi. Rre Petlwana o ntshitse boikuelo joo ka letsatsi la go gopola ba tlhokafetseng ka lebaka la HIV/AIDS le le neng le rulagantswe ke lekgotla la baruti mo Kgalagadi Borwa. Maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go tla go buisanya le dikereke ka go dirisiwa ga nnotagi phetelela, dikotsi tsa tsela le borukutlhi. Fa a bua ka dipatlisiso tsa lekgotla la ditshabatshaba la botsogo (WHO) Rre Petlwana o tlhalosiste fa dikotsi tsa tsela di gapa matshelo a batho ba le bantsi mo lefatsheng leno, selo se a reng se babalela letlole la MVA mo mading a ba a dirisang ngwaga le ngwaga a akaretsa tsa bongaka, diphitlho, go tlamela dikhutsana le tse dingwe. Rre Petlwana o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ka 2015 go ya ka dipatlisiso tsa WHO dintsho tse di diragetseng di le 1.25 million lefatshe ka bophara ka ngwaga le 50 million wa dikgobalo tse di masisi. A re masome a a robang bongwe mo lekgolong ke dintsho tse di tswang mo mafatsheng a itsholelo e e fa gare go balelelwa le Botswana le a itsholelo e e kwa tlase. A re gape go ya ka ditshekatsheko tsa bomaitseanaape, banana ba ba dingwaga tse di lesome le botlhano go ya kwa go tse di masome a mabedi le boferabongwe ke bone ba di gogang kwa pele mo go amegeng mo dikotsing tsa tsela lefatshe ka bophara. O supile fa ka 2017 MVA e dirisitse P142.5 million mo dintshong tse di makgolo mane, masome a mane le bone e le madi a tsa bongaka, diphitlho le go thusa ba ba neng ba tlhokomelwa ke yo o tlhokafetseng le dithuso tse dingwe. O tlhalositse gore ka 2018 ba dirisitse P176.6 million go thusa ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela. Sub Inspector Iren Motaung go tswa mo go ba sepodisi sa pharakano mo Tsabong fa a ntsha la gagwe o ne a tlhalosa fa ba tshwenngwa ke melato ya go tlhoka go obamela matshwao a tsela, bogolo jang go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng le bakgweetsi ba ba kgweetsang ba nole bojalwa mme ba felele ba baka dikotsi. Sub Inspecotor Motaung o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba gatisitse melato ya go tlhoka go obamela melao ya tsela e le masome a matlhano ka 2018 le e le lekgolo lesome le boferabobedi ngogola. Sub Inspecotor Motaung o ne a supa fa maitlamo a bone e le go sireletsa setshaba e seng ga ba otlhaya jaaka bangwe ba akanya mme a kopa setshaba go tshwaragana le bone go fedisa mmaba wa dikotsi tsa tsela le borukutlhi. O ne a gwetlha batsadi go tsaya boikarabelo mo go kgalemeleng bana, bogolo jang ba ba sa ntseng ba tsena dikole ka seo se ka thusa mo go tlhokeng go inaakanya le ditiro tse di duleng mo tseleng le gone go emisa go ba gogela mo ditirong tsa botlhoka tsebe jaaka batsadi bangwe ba ba ba rekisetsa metokwane. Inspector Gobusamang Nkgageng ene o ne a gakolola dikereke le setshaba ka kakaretso go tshwaragana le mapaodisi ka go tsosolosa dikomiti tsa twantsho borukutlhi. Dr Muxanya Mbuyi yo o ikemetseng ka nosi o ne a gwetlha Bakeresete go ikgapha mo ditirong tse di duleng mo tseleng mme ba ikakatlele ka Jesu Keresete. Dr Mbuyi o ne a galaletsa puso mo go lwantsheng HIV ka go neela ba ba nang le mogare diritibatsi. O tlhalositse gore fa dipilisi tsa ARV di dirisiwa sentle, di kgona go fa motho botshelo jo boleele a sa ntse a itekanetse. Dr Mbuyi a re puso e tsere tshwetso ya go thusa ba ba fitlhelwang ka mogare nako e sa ntse e le teng go sa lebelelwa bokete jwa masole a mmele jaaka pele. health 6 Mapodisi ba tshegeditse ba belaelwa Motshwarelela mookamela mapodisi a Lobatse, Assistant Superintandant Benedict Matlho a re ba tshegeditse babelaelwa mabapi le loso lwa monna mongwe. Assistant Superintendent Matlho o buile jalo mo potsolotsong le BOPA, a re e ne ya re Seetebosigo a tlhola ga mararo makuku ba begelwa ka monna mongwe yo o neng a tlhabilwe ka sengwe se se bogale, yo a neng a palelwa ke go tsamaya mme go ne go supa a ne a leka go sia. A re monna yo wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe yo o nnang kwa Newstance gone mo Lobatse go bolelwa a ne a tsenelela rre mongwe le mme mongwe kwa ntlong ya bone ba robetse kwa Peleng, mo ba neng ba mo gobatsa. O feletseng a tlhokafala kwa kokelong ba bongaka ba ntse ba leka go mo tlamela. Assistant Superintendant Matlho a re moswi o dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe fa babelaelwa bone ba le dingwaga tse di masome mararo le bobedi le masome a mararo le bongwe, ba e leng baratani, a re ba santse ba tshegeditswe ke mapodisi fa ditlhotlhomiso di di tsweletse. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Mokgatlho o fetola matshelo Moeteledipele wa mokgatlho wa Child Evangelism Fellowship wa kgaolo ya bokone, Mme Constance Chankoloba a re mokgatlho wa bone o tsweletse sentle ka jaana ba atlega mo maitekong a bone a go leka go fetola matshelo a bana. Mme Chankoloba yo o dingwaga tse di masome marataro le bosupa a re ba ba ruta le go ba lemotsha tsela e e molemo ya go tshelela mo tumelong. O tlhalositse fa mokgatlho wa bone mo bokone o akaretsa maloko a bomme ba le batlhano e bong bomme Gosaitse Mandise, Monica Zibane, Dikhutsafalo Matheo, Magret Kamanya ga mmogo le ene. Mme Chankoloba o tlhaloseditse BOPA mo potsolotsong gore ba dira tiro e ya go ruta le go lemotsha bana go tsweng kwa moding bomolemo jwa go tshelela mo tumelong ka go etleetsa mowa wa boithaopo le boipelego. A re seo se ka ba thusa go menagane go ikgapha mo maitsholong a a sa letlelesegeng mo setshabeng a a ka feleletsang a ba senyetsa bokamoso. Mme Chankoloba o tlhalositse fa go tshelelwa mo dipakeng tsa diphetogo di tshwana le mewa ya bosaatane, tiriso botlhaswa ya nnotagi, maduo a a ileng tlase a baithuti, botlhokatsebe ga mmogo le tiriso botlhaswa ya maranyane a segompieno. A re ke gone ka moo ba boneng go le molemo go tla ka methale ya go itepatepanya le diemo tsa go nna jalo. Gape o boletse fa ba ne ba simolodisa mokgatlho oo mo bokone gore ba nne ba etela dikole le malwapa go buisanya le bana ka maikaelelo a go ba tlhatlhelela ditsela tse di molemo tsa botshelo, gore kgabagare ba seka ba iphitlhela ba latlhegetswe ke lesedi la tsela ya bokamoso. O ne a supa fa mokgatlho o sa itebaganya fela le go kgothatsa bana ka lefoko la Modimo, ka jaana ba nna le sebaka go buisanya le bana kwa bothokong mabapi le tse di ba amang letsatsi le letsatsi. “Gangwe le gape re nna le metsotsonyana go buisanya le bana ba, bogolo jang ba ba nnang ka go tshwenyega kgotsa re bona ba sa iketla mo meweng mo go feletsang go baka gore ba seka ba dira sentle mo dithutong kwa sekoleng,” a bua jalo. O ne a tlatsa ka go re fa ba itemogela diemo di akaretsa ngwana a sa nne sentle kwa lwapeng kgotsa a dirisiwa botlhaswa mo dikgannyeng tsa tlhakanelo dikobo, ba feletsa ba akaretsa ba ba lebaneng jaaka ba boipelego go thusa. Mma Chankoloba o ne a tlatsa ka go re fa ba kopana le ngwana kgotsa lelwapa le le tlhokang thuso, ba nna le mowa wa bobelotlhomogi go thusa ba ba tlhokang. O tlhalosa fa e le gone jaaka ba a bo ba supa fa ba araba mokgosi wa ga Tautona wa gore re nne tshaba e e mautlwelobotlhoko mo go ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. E re le ntswa go ntse jalo, Mme Chankoloba o tlhalositse fa ba lebanwe ke dikgwetlho tse di akaretsang letlhoko la madi a go tlamela maikaelelo a bone go fitlhelela dikgaolo tsotlhe tsa bokone. A re gape mangwe matshwenyego a ba a itemogetseng ke gore setshaba se sa ntse se le maoto a tshupa go ka tsena mo ditirong tsa boithaopo jaaka ba le palo potlana jaana. Gape o ne a tlatsa ka go supa fa mo dinakong tse dingwe kwa ba fitlhelang bana ba dirisiwa botlhaswa, botsadi bo na le go batla go bipa mpa ka mabele. E re le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho tsa go nna jalo, a re ga ba kitla ba boela morago go diragatsa maikaelelo a bone go fetola matshelo a batho. Mme Chankoloba o bile a gwetlha Batswana ka kakaretso gore go age mo dipelong tsa bone gore nako e gorogile gore ba tsosolose mowa wa boithaopo le boipelego go direla lefatshe leno. A re o dumela gore fa mongwe le mongwe a ka ititaya sehuba a dira jalo, lefatshe leno le ka tswelela thata mo dikgannyeng tsa ditlhabololo mme e bile le ka kgona go tswelela le tshegetsa serodumo sa lone sa go itsege ka kagiso le thokgamo. “Ga gore re le batho jaana re na le ditlhaloganyo le bokgoni re bo re baya fela mo pusong gore e nne yone e re direlang sengwe le sengwe. Re tshwanetse ra nna le gore re tswe puso thuso go e imolola morwalo,” a gakolola jalo. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Baepi ba motlhaba ba bolaana ka motlele - Segotsi Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye o kopile ba lephata la merero ya tshomarelo tikologo go fokotsa diteseletso tse ba di neelang setshaba go epa motlhaba. Kgosi Segotsi o buile jaana kwa moletlong wa go keteka letsatsi la mafatshefatshe la tshomarelo tikologo kwa Taupye bosheng. O tlhalositse fa dinoka le melatswana tse di mo kgaolong ya Mahalapye di sa tlhole di na le motlhaba mme jaanong di ama tlhaelo ya metsi mo kgaolong. A re batho ka bontsi ba epa motlhaba mo dinokeng tse, mme se se ame thata metsi a a dirisiwang ke barui gammogo le diphologolo. O tlhalositse fa bangwe ba utswa motlhaba ka ba sena diteseletso mme e bile ba sa laolesege ka jaana ba sa tlhole ba bona dikgosi ka sepe fa ba re ba a kgalema. Kgosi Segotsi a re mo nakong ya gompieno batho ba supa fa ba na le ditshwanelo mme ba dira ka fa ba kgonang ka teng. O ne a tlatsa ka go re mo malatsing ano setshaba ga se tsee tsia ditsheko tsa kwa kgotleng ka ba supa fa ba na le babueledi. Kgosi o ne a ngongorega gape ka go rengwa ga ditlhare tsa naga, ka batho ba bone gore dikgong di na le madi. A re mo kgolong ya Mahalapye, ditlhare di rengwa fela ka jaana batho ba sa kgalemeselege mme se se tsile go dira gore tlhaelo ya ditlhare dingwe tse di neng di ka thusa tikologo di nyelele. Ka jalo o ne a kopa ba lephata la tsa dikgwa le tshomarelo matlotlo a tlholego go ema ka dinao go bona gore ba ruta setshaba ka go somarela ditlhare tsa mofuta o. E rile a afa pego ya tshomarelo tikologo mo kgaolong ya Mahalapye, modulasetilo wa komiti ya pabalelo tikologo le tshomarelo di-tsa tlholego, Rre Moatshe Senai a tlhalosa fa komiti ya bone e okametse Kudumatse, Makwate, Mokoswana, Setsile, Shakwe le Taupye. Rre Senai a re ba simolotse komiti e, ba leka go tla ka tharabololo ya kepo ya motlhaba le go kgaolwa ga ditlhare. O ne a tlhalosa gore ba ne ba ema ka dinao go bona gore ba laola seemo se, ka go ne go se na ope yo o nang le seabe sa go bona gore dilo tse di dirisiwa sentle mme ba tsaya boikarabelo jwa go laola seemo se. A re e re ka e le balemi-barui, ba ne ba bona gore phulo e ya kwa tlase, mme ba ema ka dinao ka le one mmu o ne o sa tlhole o nna le menontshane. Rre Senai a re ba ne ba inaakanya le bomaipaafela ba ba dirisang di-tsa tlholego botlhaswa mo metseng e ya bone. BOKHUTLO environment 5 Mapodisi a tshwenngwa ke mokgwa wa go ikgapela botshelo Monna mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le bobedi wa kgotla ya Ikageng mo Tsabong mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa o fitlhetswe a akgega mo ditlhometsong tsa ntlo ya gagwe. Go ya ka mothusa mookamela mapodisi a Tsabong, Assistant Superintendent Kitsiso Lemogang, ba begetswe tiragalo eo ka Laboraro ka nako ya lesome maitseboa. Assistant Supurintendent Lemogang o boletse fa mapodisi ba ne ba ragogela kwa lwapeng lwa monna yoo mme ba feta ba mo isa kwa sepateleng sa Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a tlhokafetse. Rre Lemogang o supile fa moswi a ne a dirisitse mogala go ikgapela botshelo le gore o ne a tlogetse molaetsa. Mothusa mookamela mapodisi o kaile fa serepa se le mo setsidifatsing sa sepetele sa Tsabong mme ba setse ba reboletse ba masika go ka se boloka fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di santse di tsweletse mabapi le se se ka tswang se bakile tiragalo eo. O boletse fa tiragalo eo e le ya ntlha mo ngwageng ono mme mo dingwageng tse di fetileng di ne di le mmalwa, selo se a reng se a tshwenya ka e le kutlobotlhoko le bohutsana, bogolo jang fa e bile yo o tlhokafetseng a tlogela bana. Assistant Supurintendent Lemogang o tlhomamisiste fa moswi a ne a bereka mo lephateng la ditsela teng mo Tsabong e bile a tlholega mo Tsabong. Mo mafokong a gagwe a kgakololo, Assistant Supurintendent Lemogang o gakolotse borre, bogolo jang ba banana go kopa dithuso tse di ka ba sidilang maikutlo mo go ba ba lebaneng ba tshwana le ba boipelego, mapodisi, baruti, dikgosi,batsadi le ditsala tsa bone go itsa ditiragalo tsa mofuta o. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Makgaba o kopa ditlamelo tsa botsogo Banni ba motse wa Makgaba o o tlhomamisitsweng bosheng ba re ba kopa go atamelediwa ditlamelo tsa botsogo le sekole se sebotlana. Banni ba dirile kopo e mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente Sethomo Lelatisitswe bosheng. Ba ne ba tlhalosa gore ba latela ditlamelo tsa botsogo kwa Mokubilo. Ba re seemo se se bifa fa molwetse a gateletswe go le bosigo. Ba ne gape ba ngongorega ka mapodisi ba re ga a tsibogele dipego tsa bone, ba tlhalosa gore seemo se se dira gore borukutlhi bo gole le badiramelato ba falole. Banni bangwe ba ne ba supa fa ba sale ba isitswe dithutong tsa nyeletso lehuma tsa lenaneo la dikgomo ka 2015 nako kgolo ke eno. Fa a rolela mopalamente matshwenyego a bone, mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Senkakiseng Keapoletswe a re ba kopa gore ba agelwe sekole ka lenaneo la go rudisa itsholelo. Mme Keapoletswe a re ba lela ka letlhoko la metsi. A re ba ne ba ntse ba sielwa metsi ke mongwe a tlhalosa gore o emisitse a sa bolela mabaka. A re jaanong ba nwa metsi a a tshologang mo matlapeng a a reng ga a a siamela botsogo. Ka kgang ya botsogo o kopile gore segolo go tsisiwe mooki letsatsi le letsatsi, a tlhola kwa go bone a boela Mokubilo maitsibowa. Mme Keapoletswe o ne a kopa gore ba okelediwe dipalo tsa lenaneo la Ipelegeng ka gore ke lone fela ba bonang letseno ka lone. A re ba tlhoka dithuso tsa boipelego ka gore ba na le matshwenyego a mantsi a dikgang tsa biopelego. A re le bone e le VDC ba tlhoka thuso ya bone. O supile fa bone le ba twantsho borukutlhi ba tlhoka paka le dikatso. A re ba tshwenngwa gape ke tiego ya lenaneo la nyeletso lehuma le LIMID. A re batho ba sale ba isitswe dithutong mme ga ba ise ba thusiwe. Mme Keapoletswe a re ba na le matshwenyego a bojalwa jo bo nowang pele ga nako e e beilweng ya go bulwa ga marekisetso a bojalwa. Mopalamente Lelatisitswe o tlhalositse gore kwa palamenteng e e fetileng ba sutisitse molao paakanyo wa sesole sa Botswana. A re molao o ne o sale o dirilwe bogologolo, ka jalo ba fetotse dilo dingwe tse di amang matshelo a bone. Rre Lelatisitswe a re molao o mongwe ke wa gore batho botlhe ba ba thubeditseng maina a bone a anamisiwe gore batho ba a bone. A tlhalosa gore motho fa a thubeditse o tlaa bo a sa letlelelwe go bereka gope fa go nang le bana. Rre Lelatisitswe o ne a supa gore matshwenyego a bone o tlaa a isa kwa go ba ba lebaneng. O ne a ba rotloetsa gore mongwe le mongwe yo dingwaga tsa gagwe di letlang gore o ka fiwa setsha a kope setsha ka bonako. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Badiri ba Ipelegeng ba tlhoka diaparo tsa itshereletso Mokhanselara wa kgaolwana ya Raphalane kwa toropong ya Jwaneng, Rre Ben Bakwena, o kopile khansele go tsaya tsia itekanelo le tshireletsego ya badiri ba lenaneo la Ipelegeng. Rre Bakwena o buile a sa kgale mathe ganong mo phuthegong ya khansele ya toropo eo mo bosheng, gore badiri a Ipelegeng ba ba agang kgotla ya Raphalane ba tshwere bokete mme e bile ba se na diaparo tsa itshireletso. O boletse fa diemo tse di ntseng jalo di oketsa dipalo tsa badiri ba ba lofang le malatsi a go ikoka. Mokhanselara Bakwena o ne a akgela mo mafokong a ga ratoropo, Rre Amos Jahana, jaaka a ne a bula phuthego ya khansele eo. Rre Jahana o ne a supile matshwenyego a gore dikgang tsa go tlhoka go tla tirong ga babereki le go ya bookelong kgapetsakgapetsa di a tshwenya mo ditirong tsa Ipelegeng. A re dikgang tsa go nna jaana di kgoreletsa go ntsha tema mo tirong ga mmogo le go supa maduo a a eletsegang. Mothusa mokwaledi wa toropo, Rre Odirile Mabaila, o ne a supa fa khansele e na le kgwetlho ya madi ka jaana letlole la Ipelegeng le sa akaretse go rekela badiri diaporo tsa itshireletso. Le fa go ntse jalo, Rre Mabaila o kaile fa e rile tiro ya go aga kgotla ya Raphalane e simologa ba rekela badiri dirifi di le masome a mane. A re e re ka babereki ba Ipelegeng ba fapaana, go lemotshegile fa ba ntlha ba tsamaile ka ditlhako tseo fa nako ya bone e wela. O tsweletse ka go tlhalosa gore babereki ba tlaa fokolediwa mokgweleo ka jaana go dirilwe thulaganyo jaanong gore ba dirise motshhine o o tlhakanyang taka. BOKHUTLO society 9 Banana ba kopiwa go supa maikarabelo Kgosi Tsholo Segwaba wa Kaudwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng o gwetlhile banana ba motse wa gagwe go tsaya maikarabelo ka tiriso ya madi go netefatsa gore dithuso tse ba di fiwang ke puso di ba sologela molemo. Kgosi Segwaba o supile fa a tshwenngwa ke boitshwaro jo bo supiwang ke banana ka jaana ba tsweletse ka go itontela nnotagi ba dirisa madi a ba a tsayang mo ditirong di tshwana le lenaneo la Ipelegeng. O tlhalositse mo potsolotsong fa seemo seo se utlwisa botlhoko fela thata ka jaana ba sa itirele sepe ka madi mme ba tsweletse ka go tshelela mo lehumeng. Kgosi Segwaba o tlhaositse fa puso e itlamile go thusa Batswana bogolo jang ba ba kgakala le ditlamelo mme fela go ngomola pelo go bona bangwe ba iketile ba sa itirele sepe ka dithuso tseo. O gwetlhile banana ba motse wa gagwe go bula matlho go tlhaloganya fa botshelo bo se bonolo mme ba tshwanetse go tshwaragana le puso go netefatsa gore ditoro tsa puso tsa go nyeletsa lehuma mo metseng e e kgakala le ditlamelo di a atlega, a kaya fa kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. A re banana ba tshwanetse go tlhaloganya fa maikarabelo a botshelo le bokamoso jwa bone a le mo diatleng tsa bone mme a ba kopa go tsaya ditshwetso tse di maleba gore ka moso ba seka ba ikotlhaya. O supile gape fa banana ba motse oo ba ikaegile fela ka lenaneo la Ipelegeng ntswa go na le mananeo a le mmalwa a tshwana le Youth Development Fund go ka ipulela dikgwebo le gone go tlhamela bangwe ka bone mebereko. Le fa go ntse jalo, Kgosi Segwaba o kaile fa mananeo a nyeletso lehuma a tsamaya ka thelelo kwa motseng wa gagwe mme gape a supa fa lenaneo la nyeletso lehuma la dipodi e le lone le dirang sentle fela thata ka jaana banni bao ba rata thuo mme ba tlhokomela loruo la bone sentle fela thata. A re lenaneo la banana la tirelo setshaba le lone le thusitse fela thata ka jaana banana ba ithuta go le gontsi mme o gwetlhile banana go tsaya mananeo a puso tsia gore a ba solegele molemo. Bokhutlo society 9 Bogodu jwa diphologolo bo ntse bo a tshwenya Setlhopha sa banna se se kgatlhanong le bogodu jwa diphologolo mo kgaolong ya Tuli ya Zanzibar ba boleletse tona wa tshireletso, molao le thokgamo, Rre Shaw Kgathi mo phuthegong ya babereki e e neng e tshwerwe kwa Oasis Lodge bosheng gore tiro ya bone ga e tswe tema. Mongwe wa babereki Rre Matapole a re matshelo a bone a mo diphatseng ka gonne ba lwantshana le magodu a diphologolo a a rutintshitsweng go tswa kwa mafatsheng a a farologaneng fa bone ba itsamaela fela ba sa tshola sepe sa itshireletso. A re ba kile ba kopa thuso mo go ba lephata la Diphologolo Makgabisanaga ba ba ileng ba ba tsaya menwana ngogola mme le mo sebakeng sa gompieno ga ba ise ba ba busetse phetolo epe. A re le bone ba ba utswang diphologolo matshelo a bone a mo kotsing ka gonne bangwe ba bone ga ba tlhaloganye mokgwa wa diphologolo tse di borai jaaka tshukudu, ka jalo borai jwa go utswa diphologolo bo tshwanetse jwa tlhagisiwa mo go botlhe go simolola ka bana ba ba mo dikolong tse dipotlana. A re thuto ee kgatlhanong le bogodu jwa diphologolo e tshwenetse ya dirwa kgapetsa-kgapetsa ka fa go kgonagalang gore e tsene thata mo ditlhaloganyong tsa batho. Tona o ne a ba solofetsa gore o tla ikgolaganya le ba lephata la Diphologolo makgabisa naga gore ba ba neele thuso e e tshwanetseng. Olopile Badubi, mmereki wa Limpopo Lipadi a re bone batho ba ba utswang diphologolo ba kgaola terata ya motlakase, ba utswa didirisiwa tsa motlakase wa letsatsi mo go ba direlang ditatlhegelo tse dintsi ka gore ba nna ba di busetsa nako le nako. Ba re magodu a mangwe a diphologolo ba felela ba gatelela diphologolo tse kgaolo ya bone e di ikantseng ba di isa kwa Aferika-Borwa. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Khansele e simolodisitse molawana wa matlakala Bosheng khansele e ne ya simolodisa molao o mosha o o tlamang monni mongwe le mongwe yo o nnang mo kgaolong ya Borwa go nna le tanka ya matlakala mo lwapeng. Fa a bua mo potsolosong, moanamisa mafoko wa khansele ya Borwa, Rre Onkabetse Ntwe a re ba dule ka mogopolo o ba sena go lemoga fa kgaolo e le leswe, mme mo nakong ya gompieno ba setse ba buisitse diphuthego mo Kanye go tsibosa morafe ka molao o. Rre Ntwe a re ba ikaelela go tswela kwa metsing e e bapileng le Kanye jaaka Lotlhakane Botlhaba, Molapowabojang, Diabo, Mmathethe le e mongwe go ba lekodisa ka molao o mosha o. A re ke boikarabelo jwa motswana mongwe le mongwe go nna le tanka ya matlakala mo lwapeng gore a tseelwe matlakala. O bile a tlhalosa fa ba sa neele Batswana ditanka tsa matlakala, ka jalo ke boikarabelo jwa Batswana go ithekela ditanka gore bone e le khansele ba tseele banni matlakala. A re motho o ka atlholwa madi a a sa feteng P1 000 fa a sa diragatse molao o, a tlatsa ka go re motho o atlholwa P20 ka kgwedi go tseelwa matlakala ke khansele. Rre Ntwe a re e le ba khansele ya Borwa ga ba letlelele go epiwa ga dikhuti tsa matlakala mo malwapeng. A re Batswana ba ikgaphe mo go tshubeng matlakala ka gore ga go letlelelwe. A re go tshuba matlakala go borai ka go kgotlhela tikologo, a tlatsa ka go re yo o ka fitlhelwang a dira jalo o ka tseelwa dikgato. Rre Ntwe a re ba tlaa bo ba itshwaragantse le mapodisi go bona gore go gasagasa matlakala ga go dirwe. A re yo o ka fitlhelwang a tshuba matlakala o ka atlholwa go ya ka bokete jwa matlakala a a tlaa bong a a tshubile P300 go ya kwa go P1 000. A re khansele e rotloetsa batho gore fa ba na le mediro e e tshwanang le manyalo, diphathi le dintsho ba hirise sekiti gore ba kgobokanyetse matlakala mo teng. Rre Ntwe a re sekiti se hirisiwa P100 ka letsatsi, a tlatsa ka go re ba dikgwebo ba ka se hirisa P300 ka letsatsi. environment 5 Kgotla ya Thini e a tsabakela Mothusa modulasetilo wa khansele ya Legare, Rre Ketshwereng Galeragwe, o galaleditse komiti ya ditlhabololo tsa Thini kwa Tutume go gapa sekgele mo dikgaisanong tsa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse. Rre Galeragwe o buile se kwa moletlong wa go ipelela phenyo ya go nna komiti e e dirileng go gaisa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse e e mo kgaolong-potlana ya Tutume bosheng. A re mo dikgaisanong tsa ntlha tse di neng di akaretsa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse tsa metse e e masome mararo le borobabobedi e e mo kgaolong-potlana ya Tutume, komiti ya Thini e ne ya gapa maemo a bobedi mme ya fetela kwa pele mo go neng go gaisana dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di le masome mabedi le gone ya gapa maemo a bobedi. Rre Galeragwe a re seo ka bonosi se bontsha gore mosepele wa go goroga koo e ne e se o o bonolo ka jalo se se bontsha gore boineelo le go dira ka natla ba le seopo sengwe ba direla morafe le lefatshe ke dingwe tse di dirileng gore komiti eo e bo e e ipela gompieno. O ne a gwetlha komiti eo go tswelela e tshegeditse seo e seka ya nna gone fa go feletseng tema foo, mme ba tswelele ka go dira fela jalo e bile ba tseye maemo a ntlha. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Thini, Rre Private Monyamane a re tshwaragano le tirisano mmogo ya bogogi le batho ba Thini ke tsone tse di dirileng gore ba kgone go fenya dikgaisano tseo. Rre Monyamane o ne a bolela fa ba nna ba rerisanya le batho le go supa ka fa ba dirisang madi ka teng le metsotso ya bone e tsamaelana le se melawana ya komiti e se buang. A re gape ba le maloko ba kgonne go ngathogana bonnye jo ba atswiwang kwa komiting eo ka jone go thusa motlhoki mo kgotleng ya Thini, a supa fa go sa felela foo ba leka ka bojotlhe go fetola matshelo a batho ka bontsi. O ne gape a akgolela batho ba kgotla eo tirisanyo mmogo le go ba ema nokeng nako le nako, a re ba na le mowa wa bojammogo e bile ba nyoretswe ditlhabololo mme a gatelela ka gore ba fa ba leng teng ka kemo nokeng ya bone. Modulasetilo wa khansele-potlana ya Tutume, Rre Ishmael Mokgethi a re maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go ipelela phenyo ya komiti ya Thini ka go tsaya maemo a ntlha mme ba abelwa setlankana, sejana se se amoganwang le madi a dipula di le dikete di supa. Rre Mokgethi a re maikaelelo a mangwe e ne e le go tsenya mogopolo le go rotloetsa dikomiti tse dingwe go tsaya malebela mo komiting eo ya Thini. politics 7 Ba Kalakamati ba akgoletswe boitshwaro jo bontle Banni ba Kalakamati kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba akgoletswe boitshwaro jo bo ntle fa e sale Botswana a welwa ke segajaja sa COVID-19. Kgosi Jenamiso Tshupoeng o tlhalositse mo potsolotsong fa tirisano mmogo e mo tlhatswitse pelo go simolola ka nako ya kiletso mesepele go goroga mo nakong ya gompieno. A re e rile puso e ntsha taelo gore Batswana ba emise metsamao ka kgwedi ya Moranang, banni ba Kalakamati ba sala morago melawana yotlhe e neng e beilwe. Kgosi Tshupoeng o buile fa bogogi jwa motse bo ise bo kopane le dikgwetlho ka nako eo fa go tshwantshanngwa le mo metseng e mengwe. A re ene o ne a le mo komiting ya motse e neng e filwe dithata tsa go aba diteseletso mme tiro ya gagwe e ne e le go tlhomamisa gore tiro e e dirwa sentle. Kgosi a re o ne a dira ka bojotlhe go tlhomamisa gore o pata mogokgo le komiti ya gagwe kwa sekolong letsatsi le letsatsi se e le go netefatsa gore morafe o sala ditaelo morago. O buile fa dikopo tsa mesepele e ne e le tse di botlhokwa fela, mme bontsi bo ne bo dirisa marekisetso a dijo, nama le motlakase kwa Kalakamati. Kgosi Tshupoeng a re go a mo itumedisa go bona morafe wa gagwe o sala morago molao wa lefatshe go tlhomamisa gore segajaja sa COVID-19 se a fengwa. A re Kalakamati o ne a amogela dikakgolo go tswa kwa ofising ya ga molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba e le ka ntlha ya boitshwaro jo bontle. A re banni ba tsweletse ka go sala morago melawana e mesha ya go rwala dithiba melomo le nko gammogo le go tlhapa matsogo kgapetsa kgapetsa. O supile fa ba ise ba amogele dingongorego kana dikgang dipe tsa batho ba sa saleng melawana e morago. A re le ba marekisetso a dino tagi ba setse morago dinako tse ba di filweng go bula le go tswala madirelo a bone. Kgosi Tshupoeng o tlhalositse fa ba diragatsa molao wa gore diphitlho di tsenelelwe ke batho ba le masome matlhano mo e bileng phatlalatso ya leso e direlwang kwa mabitleng. O buile fa ba emisitse dijo tse di jewang kwa diphitlhong se e le go tlhomamisa melawana ya COVID-19. A re go ja kwa diphitlhong go ka dira gore batho ba kgobokane ka lebaka gape dijo di tshwarwe ke mabogo a mantsi mme se sa tlaabo se gataka melawana ya COVID-19. Kgosi Tshupoeng o ne a lebogela banni ba Kalakamati mowa wa bone o montle go sireletsa Botswana. health 6 Mosadi o fitlhetswe a tlhokafetse Mapodise a Serowe a tlhotlhomisa leso la mme wa dingwaga tse di masome a mabedi le boferabongwe wa kgotla ya Mannathoko yo o fitlhetseng a tlhokafetse mo ntlong. Mo potsolotsong bosheng, motshwarelela ramapodisi a Serowe, Rre Molefhe Molefhe a re go ya ka ditlhotlhomiso tsa bone, mme yo go belaesega a kitikilwe ka a fitlhetswe a tletse madi e bile a na le ntho mo letlhaeng. Ramapodise o tlhalositse fa ba tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le boferabobedi wa kgotla ya Ramogate kwa Serowe yo e bileng go kaiwa e ne ele mokapelo wa moswi go ba thusa mo ditlhotlhomisong. Go sale foo, ramapodise a re ditiragalo tsa mofuta o di a tshwenya gonne e ne ya re bosheng ba bona go tshwanela go ruta setshaba ka kgokgontsho e le go leka go e fedisa. A re molaetsa wa bone o remeletse thata mo go borre ka a re gantsi ke bone ba nnang ba amega thata mo ditiragalong tsa mofuta o. O tsweletse a re borre ba tshwanetse go kopa thuso mme a ba tlhagisa go emisa mokgwa wa go hupelela fela ka moteng, a re go na le mekgatlho ele mentsi e ba ka kopang thuso teng jaaka ya go agisanngwa kgotsa go sidilwa maikutlo. A re ke nako ya gore borre ba rutiwe go bua, ba bo ba lemotshiwe fa kgokgontsho e se yone tharabololo ya mathata e bile e okeletsa mathata pele. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Seromamowa se ipela le banni ba Nata Kgosi Rebagamang Rancholo wa motse wa Nata mo kgaolong ya Nata/Gweta a re motse wa Nata o lesego thata ka o tletse ka dibapalwa nageng tse banni ba motse oo ba ithusang ka tsone. O buile seo fa a ne a amogela lekoko la badiri ba seromamowa sa Botswana ka thulaganyo ya go isa seromamowa kwa setshabeng le go ipelela dingwaga tse di masome matlhano se ntse se gasa kwa Nata ka Matlhatso. A re motse oo o na le paka e batho ba bapalang moseme, moretlwa le paka e ba bapalang bojang, ya go bapala phane le nako ya go bapala letswai jaaka mo nakong ya gompieno bontsi jwa batho ba motse oo ba ile go bapala bojang. Kgosi Rancholo o ne a gatelela ka gore motse oo o lesego thata o ratilwe ke Modimo ka go nna le dibapalwa nageng tse batho ba kgonang go itshetsa ka tsone le go tlhabolola matshelo a bone. O ne a supa fa ba itumetse thata e le ba Nata go nna mengwe ya metse e seromamowa sa Botswana se kgabotseng teng go ipelela dingwaga tse di masome matlhano le bone go tlhagolela boipuso jo bo faphegileng jwa monongwaga. Gape o tsweletse a bolela fa seo se tlaa ba tiisa moko gore ba ipaakanye thata ba tle ba keteke boipuso jo bo tlaa bong bo le pharologanyo le jwa mo dingwageng tse di fetileng. O ne a re se seromamowa seo se se dirang ke go isa ditlamelo kwa bathong, ka batho ba tlaa nna le kitso e e e tletseng ka fa se gasang ka teng le dithulaganyo tsa sone le go itse bagasi ba sone ba ba bona ka matlho go na le go utlwa mantswe a bone fela ba gasa. Moeteledipele wa lekoko leo la RB1 Mme Tebogo Koko o ne a bolela fa ba tsamaya ba tlhotlhoma le lefatshe la Botswana ka bophara go ipelela dingwaga tse di masome matlhano seromamowa seo se gasa. Mme Koko a re loeto lwa bone gape ke go bontsha Batswana ka fa ditshipi tseo di berekang ka teng le go leboga Batswana thotloetso le kemo nokeng e ba e supang ka go reetsa seromamowa seo, a re gape kgaso gore e atlege e dirwa ke batho ba le setlhopha e bile ba le seopo sengwe. Leloko la komiti e kgolo e e baakanyetsang boipuso jwa masome matlhano e bile e le mogasi wa thulaganyo ya Kgogamasigo, Rre Henry Lechuti o ne a kopa batho ba Nata go ipaakanyetsa boipuso ka go tsosolosa metshameko ya bogologolo ka go lebega e nyelela ka ponyo ya leitlho. Rre Lechuti a re gape ba phepafatse tikologo e ba leng mo go yone go simolola kwa malwapeng a bone, motse le tsone dikgotla tsa bone tota le go di kgabisa ka mebala ya Botswana. Fa a ala ditso tsa motse oo, Kgosi Letsogo Kgaswa o ne a re motse oo o simologile ka ngwaga wa 1890 o tlhongwa ke Kgosi Sekgoma wa Bangwato. Kgosi Kgaswa o tlhalositse fa merafe ya ntlha go goroga mo lefelong leo e ne e le Basarwa le Bangwato, mme a re batho ba foo ba ne ba itshetsa ka Mokolwane le dibapalwa nageng le go nna ba ananya tseo le mabele le batho ba dikgaolo tse dingwe. O tlhalositse fa lefoko Nata kgotsa Nataa e le la puo ya Sesarwa mme le raya gore re tlaa tlola jang noka. Mafoko a ba a buile fa ba fitlhela noka e e ralalang motse e tletse. BOKHUTLO politics 7 Bomme ba kgalelwa go inyatsa Kgosi Paul Motshwane wa lekgotla la Setswana la Gerald Estates kwa Francistown o gwetlhile bomme kwa Sebina go emisa mokgwa wa go inyenyafatsa le go inyatsa. A re o tshwenngwa thata ke mokgwa wa bomme ka bontsi wa go supa fa ba ka seke ba kgone segolo jang fa go tla mo ditirong tse di tlhokang kemedi ya bone. Kgosi Motshwane a re bomme ba tshwanetse go dumela fa ba na le bokgoni e bile ka jalo ba tshwanetse ba tlhomamisa gore ba ikemela ka dinao. A re go ipelaela ga bomme ga go a lebana ka bontsi jwa ditiro tse di dirwang ke borre di ka seke ka tsela epe tsa palela bomme. Kgosi Motshwane a re ka ntlha ya se, bomme ba tshwanetse go tsenya tlhogo go lekeletsa ditiro tse di farologaneng go tlhola gore a ba ka di kgona. “Fa o tsena mo dikolong tse di botlana, o fitlhela palo ya barutabana ba bomme e le kwa godimo mme mo go tse dikgolwane e le potlana, ka bomme ba dumela fa dithuto tse di dirwang koo ka bontsi di tshwanetswe go rutwa ke borre fela,” ga bua Kgosi Motshwane. A re seo se gogela bomme kwa morago go tsenya letsogo mo ditirong tsa lefatshe le, ka jalo go nna o kare ba gateletswe. Kgosi Motshwane a re e re le ntswa borre ba ema bomme nokeng jaaka mo mererong ya tsa sepolotiki, bomme ga baa tshwaragana ka go supagala fa dipalo tsa bone di le kwa tlase kwa palamenteng le fa ba le palo ntsi mo lefatsheng le. A re bomme ba tshwanetse go rotloetsana gore le bone lentswe la bone le kgone go utlwala botoka. Kgosi Motshwane a re se se ka ba sologela molemo ka jaana batho ba bomme ba itse dikgwetlho tsa bone botoka. A re le fa gone lefatshe la Botswana le gatetse pele go fitlhelela maitlamo a lone a go ema bomme nokeng, le santse le lebanwe ke dikgwetlho tse di itsang bomme go gola mo lefatsheng le. A re bana ba basetsana le bone ba na le go ikokela mathata a a felelang a baka kgokgontsho ka ba sa batle go ipatlela ditsela tsa itshetso. A re kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana, e santse e apesitse lefatshe leno kobo ka letshoba. Ka jalo o ne a rotloetsa mokgatlho wa Kagisano Society Women’s Shelter go tshwara ka natla go thusa go lwantsha kgokgontsho ya bomme mo motseng oo. Kgosi Motshwane o gwetlhile banni ba motse wa Sebina go tshwaragana go thusana go fenya dikgopi tsotlhe tse ba kopanang natso mo motseng wa bone. A re bomme le bone ba na le dithata tsa go tsaya ditshwetso mo malwapeng, ka jalo ba seka ba letlelela go gatelelwa ke borre ba ba tshelang le bone.O bile a re ba tshwanetse go ikuela nako e sa le teng fa go nale dikai tsa kgokgontsho, a supa fa puso e tsweletse ka go dira bontle go inola bomme mo lehumeng. E rile a tswa la gagwe, modulasetilo wa mokgatlho wa Kagisano Society Women’s Shelter Rre Emmanuel Mathambo o tlhalositse fa bomme ba santse ba bipa mathata a ba kopanang nao mo malwapeng a bone. Mothusa-modulasetilo wa mokgatlho oo, Mme Ednah Setimela a re bomme ka bontsi ba santse ba tlhaela kitso mo dilong di le mmalwa. A re bomme ba tshwanetse go rotloediwa mo go tseneletseng gore ba kgone go ikemela ka dinao. O tladitse ka gore letlhoko la ditiro le lone le santse le gateletse bomme fela thata mme seo se tshwanetse sa tsibogelwa. Bomme ba motse wa Sebina ba ne ba itlama go emana nokeng go lwantsha dikgwetlho tse ba kopanang natso. society 9 Mananeo a ka tshetsa bomme Bomme ba kgothaditswe go ema ka dinao, ka go inaakanya le mananeo a nyeletso lehuma ka seo se ka thusa thata mo go tokafatseng matshelo a bone. Kgothatso e, e ntshitswe ke Mme Lenah Baitirile, mogolwane go tswa mo lephateng la bong, kwa Maubelo, mo dithuto-puisanong tse di neng di rulagantswe ke ba komiti ya DMSAC bosheng. Mme Baitirile o ne a gakolola a ba a kgothatsa bomme go inaakanya le mananeo a nyeletso lehuma le go ipopa ditlhophana go tsena mo dikgwebong tse di farologaneng, a tlatsa ka gore le mo lephateng la bong (Gender Affairs) ba ka kgona go itshimololela dikgwebo tse ka tsone ba ka intshang mo lehumeng la nta ya tlhogo ka tsone. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba tshwaragane le ba ofisi ya boipelego mo khanseleng ya Kgalagadi, ba e leng bone ba dirang ditshekatsheko tse di tseneneletseng go tlhopha ba ba tlhokang thata. Mme Baitirile o ne gape a tsibosa le go rotloetsa bomme go ya go ikuela ka kgokgontso e ba e itemogelang gantsi mo malwapeng a bone, e dirwa ke borre ba ba tshelang nabo. O supile fa go na le molao o o itebagantseng le kgokgotso e e amang setshaba ka kakaretso, o o neng wa dumelanwa ka ngwaga wa 2008, a kaya fa mokgokgontsi a tshwanetse go lebisiwa molato le go tseelwa dikgato tse di gagametseng morago ga tshekatsheko ya kgang eo. O ne a gakolola bomme go ela tlhoko mafoko a ba buisanang ka one le borre le bana mo lwapeng, a kaya fa gantsi go tlhoka go tlhopha mafoko fa batho ba buisana go ka tsala tlhoka kutlwisisano e e ka felelang e baka dintwa. O boletse fa botho le maitseo di ka bopa lelwapa le go renang kagiso. Fa a bolela maikaelelo a dithuto-puisano tseo, modulasetilo wa komiti ya DMSAC o kaile fa maikaelelo e ne e le go rutuntsha bomme ka tse di ba amang mabapi le dikgwetlho tsa botshelo tse ba kopanang le tsone mo malwapeng di akaretsa; tsa botsogo, itsholelo le tse dingwe. O supile fa dithuto-puisano tseo di tla thusa le gone go abelana maele a botshelo, go buisana ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone le go tswa ka ditharabololo tsa tsone. Rre Gakebatshepe Tumelo, mooki go tswa mo sepateleng sa Tsabong, o ne a ruta le go tsibosa batsena dithuto-dipuisano tseo ka mefuta ya malwetsi a a tsenang ka tlhakanelo dikobo, dikai le kalafi ya one. O supile fa gantsi malwetse a a tshabelela go tsena thata bomme le bana ba basetsana. O ne a gakolola gape bomme go ya go itlhatlhobela kankere ya molomo wa popelo ngwaga le ngwaga, ka gantsi dikai tsa yone di sa itshupe pele ga e kekela. Mooki go tswa sepateleng sa Tsabong o ne a tswelela ka go rotloetsa bomme go nna le dipuisano ka nako ya tlhakanelo dikobo le gone go dirisa sekausu ka dinako tsotlhe go thibela go tsenwa ke malwetsi ao. Rre ltumeleng Molaakgosi, mogolwane go tswa kwa Tebelopele, ene o ne a kgothatsa bomme go ya go itlhatlhobela mogare wa HIV /AIDS le bakapelo ba bone ka seo se ka ba thusa go tsaya ditshwetso tse di maleba ba le mmogo mabapi le tsa botsogo jwa bone. economy_business_and_finance 3 Lekgotla le neetse morafe dithoto Lekgotla la Palapye Development (PDT) le roletse morafe wa motse oo dithoto tse e neng ya re puso e tsaya dikago tsa ithutuntsho tsa brigade tsone tsa sala mo diatleng tsa lone ka 2011. Erile ba rola dithoto tseo go di neela ba lekgotla la nakwana le le neng la tlhophiwa la Palapye Development Advisory go di tshwarela morafe, modulasetilo yo o tswang le lekgotla la botsamaisi go tswa ka 2006 e le leloko, ya re ka 2010 a tlhophiwa go nna modulasetilo Rre Dithapelo Tshotlego o ne a supa fa nako e tsile ya gore ba neele morafe ditsa bone tse ba sa bolong go di ba tshwarela. Rre Tshotlego o ne a tlhalosa ka bokhutshwane ka lekgotla le a neng a le modulasetilo wa lone, gore ke lekgotla le le neng le ntse le le teng pele ga a nna leloko la teng ka 2006, a supa fa dingwe tse ba neng ba di neela morafe di akaretsa dikago tsa mabenkele, marekisetso a lookwane a Puma tse dikafatlase ga botsamaisi le tlhokomelo ya Jacinth Holding PTY LTD, fa bone ba ne ba le kafa tlase ga PDT e le batsamaisi. O ile a supa gore dikago le sekole sa brigade di setse mo diatleng tsa puso, mme a tlhalosa ka gore ba ne ba dira go le gontsi go somarelela morafe dithoto tsa bone ka go thapa Mme Unity Dow mo go tsa semolao go ba thusa go lwa ntwa ya go somarelela morafe dikago tsa marekisetso tse di neng di gomagomediwa ke go tsewa. Rre Tshotlego a re ene le komiti ya gagwe le moladi Mme Veronica Rabakane ba ne ba sa bone boroko, ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go busetsa seemo mo mannong tse di mo tsamaisong e e siameng e bile di tsenya madi, a re mo nakong eno di kgonne go nna le madi a P25 million a a mo polokelong. Mongwe wa dibui e ne ya nna molaodi wa kgaolo potlana ya Palapye Mme Veronica Rabakane yo a neng a kopa morafe go ba imolola mokgweleo o ba o rweleng ka go tsaya dithoto tsa bone, a re tiro e ba neng ba e neetswe e ne e se motlhofo. O ne a re bone ga ba tshabe sepe, mme fela fa go na le tse morafe o batlang go di latedisa ba ka dira jalo ka ba teng ke Batswana ga gona gope kwa ba ka tshabelang teng, a supa fa le bone dithoto tse e le tsa bone mme ba tshwanelwa ke go nna le boikarabelo mo go tsone. Mme Dow yo o neng a lebagana le tsa semolao a emetse lekgotla la PDT, o ne a re tshekatsheko ya dibuka e dirilwe, mme tsotlhe di siame, a re lekgotla le ne le eteletswe ke batho ba ba ka dirang diphoso “Nkgo go thubega e e ileng nokeng” a raya gore diphoso di dirwa ke yo o dirang, ga gona yo o ka dirang phoso a sa dire sepe. O ne a kopa morafe, go leboga, go gakolola kana go kgala fa go tlhokega, ka kitso ya go lemoga bokete jo lekgotla le neng le botshwere. Mo dikakgelong mongwe wa bao ba ba neng ba amogela dithoto mo boemong ja morafe Kgosi Klaas Motshedisi o ne a supa fa ba amogela dithoto ba le bete semolangwana ka bontlha bongwe ja dithoto bo seyo ebile go sa umakiwe sepe ka tsone le mo mokwalong di sa kwalwa. A re seo se ka nna mo maruding a morafe gore a bone ba bona go tshwanela go amogela tse di teng fela kwantle gat tse diseyong le gore di kae, o ile a batla go itse gore dikoloto tse di dirilweng ke ba PDT go ya godirwa jang ka tsone. Rre Onnetse Ramogapi ene o ne a re a morafe o amogele dithoto tseo, mme a re a kompone e e ba tshwaretseng dithoto tsa Trust ya Jacinth HoldingsPTY LTD e ntshiwe. O ne gape a re temana e e reng motho o ka seka a sekisiwa fa a senyeditse lekgotla le yone e lebelelwe. Bontsi bo ne ja supa fa ba dumelana le gore PDT e rolele morafe dithoto tsa one, le gore a go nne le mowa o montle wa neelano. Rre James Olesitse o ne a re a go bewe sebaka sa gore lekgotla le le neelwang le ya go tsaya sebaka se se kae, a tlatsa ka gore ene o ne a ka ba fa dikgwedi tse thataro fela go bo go ka tlhophiwa lekgotla le le lesha. Mme a tladiwa ke banana ba motse wa Palapye gore fa godimo ga moo dikgosi ke bagakolodi ba setshaba ka maemo a bone ka jalo go nna teng ga bone mo komiting e e amogelang dithoto tsa morafe go ya go baya morafe kafa mosing, ba ya go tshaba go buwa ka tshosologo. Bangwe ba ne ba re a komiti e e tsayang e fiwe sebaka sa dikgwedi tse thataro fela, mme ga lebega ba sa sekegelwa tsebe ke ope, seo sa rata go ntsha phuthego mo taolong fa bontsi bo ne ja emelela phutgeio e esi e wediwe go supa go sa itunmedisiweng ke karabo e ba neng ba e fiwa ya gore bone e le morafe le lekgotla le le tsayang ba tlaa buisana ka lobaka le lekgotla le tlaa le tsayang. Bokhutlo politics 7 Batsadi ba kgothadiwa go tsaya dikgato tse di maleba Mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Bonewamang kwa Molepolole Rre Victor Radikgobati o kopile batsadi go dirisanya le go tsaya dikgato tse di maleba fa morutabana a dirile phoso. Rre Radikgobati o buile se mo phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Molepolole Borwa Dr Tlamelo Mmatli ka Labotlhano (23/01/2014) kwa kgotleng ya Maulana. Banni bane ba supa fa ba tshwenntswe ke seemo se barutabana ba dirisang diatla mo boemong jwa thupa go otlhaa bana. Fa a tsibogela matshwenyego a, Rre Radikgobati a tlhalosa fa gosa letlelesege gore morutabana o ka dirisa diatla go otlhaa ngwana. A re fa seemo sa go nna jaana se diragetse, e a bo ele phoso ya morutabana mme gole maleba gore a tseelwe dikgato tsa semolao. “Ga go tlhokahale gore motsadi a tsene ka ntwa ko sekolong”, a gatelela. O kgothaditse batsadi go bona boeteledipele ba sekolo gore molao o diragadiwe, a tlatsa ka gore fa motsadi aya ka ntwa ko sekolong, bana ba tlaa tsaya gore key one tsamaiso mme a bo ele jaaka fa ba dule mo tseleng. Mo go tse dingwe, mogokgo o supile fa a tshwentswe ke tebego ya dikago ko sekolong ka di setse di onetse. O lekodisitse mopalamente le setshaba gore o botabotile ko khansele a kopa thuso ka seemo se mme nako kgolo ke eno. BOKHUTLO education 4 Lenaneo le tsweletse sentle Lenaneo la ditshingwana tsa merogo la go thusa Batswana go intsha mo lehumeng le tswa maduo a a nametsang mo kagolong ya Ghanzi. Mogolwane o o okametseng lenaneo le, Rre Ishmael Matsau a re ba na le ditshingwana di le lekgolo le lesome le borobabobedi mo kgaolong ya Ghanzi, mme a re mo toropong ya Ghanzi di masome mane le bone. Mo go tsone tse di masome mararo le botlhano di tsweletse sentle fa tse di lesome e le tsone di sa tswelelang. A re gobo dingwe tsa ditshingwana tse di sa tswelela ke ka gore bangwe ba ba di abetsweng ba tlhokafetse, bangwe ba kgaoletswe metsi fa bangwe ba di tlhogetse fela tsa a swa. A re mme ba mo lenaneong la go tsaa ditshingwana tse mo go ba ba di tlogetseng fela tsa swa ka go lebega ba sena kgatlhego mme ba tlaa di abela ba ba di tlhokang. A re mo go tsa ba ba tlhokafetseng fa go na le mongwe wa lesika yo o ka kgatlhegelang go tsweledisa tshingwana eo ba tlaa mo e abela mme fa go sena yo o nang le kgatlhego le tsone ba tlaa di tsaa a bo ba di abela ba ba di tlhokang . A re mo kganyeng ya tsa ba ba kgaoletsweng metsi ba kopile komponi ya metsi go ba gokelela metsi gape mme ba ba kopa gore a bo ba tswelela ba leka ka bojotlhe go duela metsi go itsa go kgaolelwa metsi gape. Rre Matsau a re ba tlhola ditshingwana tse beke le beke go bona ka fa di tshweletseng ka teng a re mo go ba ba di tsereng ka tlhoafalo di ba tswela mosola fela thata ka ba kgona go itshetsa ka tsone mo botshelong jwa tsatsi le letsatsi. Mongwe wa ba ba abetsweng tshingwana ya merogo Mme Ditlhare Mabina a re tshingwana ya gagwe ya merogo e tsweletse sentle ka a re ga a sa tlhole a itse go reka seshabo. A re le fa a sa rekisi mo go nametsang mme gone ga a sa tlhole a lela ka go reka seshabo ka a tsena hela mo tshingwaneng a bo ba lala ba jele. A re mathata fela ke ditlhwatlhwa tsa metsi tse di kwa godimo, mme a re o lebogela ba boipelego thuso e e kana kana e ba mo neileng yone. A re ba temo thuo ba dirisana le bone sentle ka a re fa gona le diji dingwe di ba tshwenya ba ba thusa ka melemo ntle le tuelo epe. Mme Gaolatlhe Peelelo yo le ene e leng mongwe wa ba ba abetsweng tshingwana tse a re ene o ketefalelwa ke tshingwana e ka a re ditlhwatlhwa tsa metsi diko godimo fela thata smo ene a sa kgonneng go a duela a re ke gone ka moo tshingwana ya gagwe e suleng. A re bogolo fa ba ne ba ka duelelwa sekoloto se se ko morago sa metsi ne go ka nna botoka gore ba simolole tshingwana ba sena melatsa e tle e re fa merogo e sena go gola ba bo ba rekisa ke gone a bo ba duela metsi a re ke gone fela go ka sekeng go ba ketefalele. Rre Matsau a re o motlotlo go ema a re lenaneo le le mosola fela thata e bile a re le tlisa maduo ka a re batho ba ba le tlhwaafaletseng ba dule mo lehumeng e bile ba a tshela ka ntlha ya lone, mme o ba rotloeditse go tswara ka natla gore ba tswelele ba itshetsa ka a re mokoduwe go tsosiwa o o itekang. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Matlakala a ka tlhama mebereko Mogolwane go tswa kwa lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae Rre Patrick Keongadile o rotloeditse botlhe go tsaya boikarabelo jwa go somarela matlakala ka e le teemane e batho ba kaitshetsang ka yone. Rre Keongadile yo a neng a bua kwa Hatsalatladi ka letsatsi la kabo dimpho la metse e e gaisitseng e mengwe ka bophepa kwa kgaolong ya Kweneng, a re banana ba ba sa berekeng ba ka itlhamela ditiro ka go fetolela matlakala mo tirisong le go rekisa tse di dirilweng ka one. A re kabo ya dimpho e tsile ka nako e e siameng jaaka Batswana ba ipelela dingwaga tse di masome a matlhano lefatshe leno le ntse le ipusa. Are ipelelo boipuso e tla direlwa mo tikologong e e phepa, a supa gape fa le setlhogo sa letsatsi leo se se sereng: Lefelo la Rona, Lebopo la Rona ke Boikarabelo jwa Rona, se iteile kgomo lonaka ka se kaya tshaba e e itekanetseng e bile e le gaufi le modimo. O ne a gatelela botlhokwa jwa gore fa go senang bophepa teng, ga go nne le botsogo jo bo siameng. A re bophepa ke pilara ya botshelo ka jaana tikologo e seng phepa e sa siamela botsogo jo bontle. A re Batswana ba tshwanetse ba tsaya boikarabelo le go ikitaya kathupana go phepafatsa malwapa le tikologo e bannang mo go yone. Rre Keongadile a re lefatshe la Botswana ke lengwe la mafatshe a tshegetsang letsatsi la phepafatso mo dingwageng tse tlhano ka go latelana. A re gona le matlakala a jaaka maokwane a a dirisitsweng tse di tshololwang go sena pabalesego, tse kwa morago di felelang dikgotlela tikologo le metsi a kwatlase ga lefatshe. Mokhanselara Tshenolo Leshomo a re maikaelelo a letsatsi e ne ele go gasa molaetsa ka bo diphatsaba jwa go sa tshwareng matlakala sentle. Mahetlwe e ne ya gapa maemo a ntlha mo karolong ya metse e mennye, Kopong e tsere maemo a ntlha mo metseng e fagare. Molepolole o ne a kgaogantswe ka dikgaolo dile tharo mme maemo a ntlha a ikgapelwa ke kgaolwana ya Boribamo west. BOKHUTLO environment 5 Kereke e kgothatsa banni go tsepama mo Modimong Phuthego ya Saint Adam Healing e e tswang Mochudi e ne e etetse Draaihoek bosheng e tsile go rapelela batho mabapi le diemo tsa matshelo. Go bolelwa fa bangwe ba banni ba motse o, ba ne ba ba tshwenya ka megala ba kopa gore ba tle go rapela le bone mme ba sekegela selelo sa bone tsebe. Mookamedi wa kereke e, Rre Adam Moilwa o boletse fa keletso ya gagwe e le go bona setshaba sa Botswana se boetse mo Modimong. A re ditshele, mafufa, malwetse le mekgwa e mengwe e e senyang matshelo a batho di ka nyelela fa banni ba ka bopagana ba tshwaragana ka tumelo ka go nna lesedi. A re ntleng ga moo ditlhabololo di ka seke di ntsifale mo dikgaolong kana metsaneng le bone bagwebi ga ba kitla ba tswelela, agatelela ka go re gompieno puso e kgothatsa banana go itshetsa ka diatla. E rile a ntsha la gagwe, mongwe wa bagolwane mo kerekeng eo, Rre Bobbie Setshedi o ne a tlhalosa fa ba kile ba tla thapedisong ya mokereki ka bone. Ka jalo batho ba motse ba ba bonela teng ba bo ba rata tsamaiso le ka fa ba neng ba thusa ka teng. A re ntleng ga letlhoko mo Draaihoek, motse o tlhokana le thapediso e ntsi.. A re mo kerekeng ya bone ba setse melawana le matshego a 2016 le tsamaiso ya kereke morago. O ne a tlhalosa fa ba dira dikoleke mme ba rekele batho ba ba yang go kereka le bone dilwana di tshwana le dijo le diaparo. A re totatota se ba lwang le sone ke kgodiso ya bana e e lolameng ya go ba itsa nnotagi, boimana jwa bana ba dikole ga mmogo le boitaolo jwa bone. O ne a bolela fa keletso ya bone e le go ba tsisa gaufi le tumelo ya sekeresete jaaka batsadi ba bone ba eletsa. Ka jalo keletso ya bone ke go tsamaya le mafelo a a iseng a gole thata le dikole tse di kgolwane ba ruta lefoko la Modimo. O ne gape a tlhalosa fa e rile go le pele fa ba tsena mo Draaihoek ba feta ba bona leuba le tshotlego di wetse bagodi le bana mme ba nna le moono wa go tsenya lebogo mo go seo ka go ba fa diaparo. religion_and_belief 8 Monnamogolo o itshetsa ka setinkane Monni wa Gumare, Rre Bonang Kamanakao, wa dingwaga tse di masome a marataro le bofera bongwe a re o itshetsa ka go letsa setinkane se a se filweng ke rraagwe ka ngwaga wa 1969. Rre Kamanakao o boletse mo potsolotsong fa a simolotse go letsa setinkane ka 1969 a rutiwa ke mogolowe ba le kwa madisong. A re rraagwe o ne a mo direla setinkane morago ga go lemoga bokgoni jwa gagwe, mme o tlhalositse fa e ne e le ngwao ya bo ne ya Seyei go tshameka diletswa tse di tshwanang le katara le setinkane e le tsela ya go itlosa bodutu ba le kwa madisong ka gone go sena diromamowa. Rre Kamanakao o boletse fa modumo wa sitinkane sa gagwe o sa tshwane le tse dingwe ka sa sa gagwe a se ngaparisa bautu gore se ntshe molotsana o o tshwaraganeng gape o le monate. A re o itshetsa ka go supa talenta ya gagwe mo medirong e e farologaneng jaaka manyalo, tsatsi la ngwao le go intshiwa ga matsetsi. O buile ka boitumelo gore ga a laleditswe go letsa o a itse gore o ya go bona madi a kana ka P500 a mo thusang le go tlhokomela ba lesika mo lwapeng. Rre Kamanakao o boletse fa a tseneletse dikgaisano sa ga Tautona e le lantlha ngwaga ono mme a tswa mo maemong a bobedi go fetela kwa makgaola kgannyeng a a tlaa tshwarwang kwa Gaborone mo bogautshwaneng. O galaleditse lenaneo la ga Tautona a re le mosola fela thata ka le ka mo jesa ka bokgoni jwa gagwe. arts_culture_entertainment_and_media 0 Dinotshi di tlodisa molatswana E re ntswa batho bangwe ba tshaba dinotshi lebaibai, bangwe bone ba di rua e le tsela ya go itshetsa. Rre Mosimanegape Matlho yo e leng monana o tlhaloseditse ba lekalana la dikgang gore o sale a nna le lerato la go rua dinotshi le dikolobe a sale kwa sekoleng se segolwane. A re o beile dinotshe mo mabokosong a le mabedi. A re o leboga morutabana wa gagwe Mme Molefe go tswa kwa Mookami JSS le lenaneo la dithuto le le rutang ka thuo le go tshwara dinotshe. O tlhalositse fa thuto e le yone konokono ka kwa ntle ga thuto batho ba ka palelwa ke go dira sepe fela. O tsweletse a re go rua dinotshe go batla motho yo o tlwaetseng go dira ka diatla e bile a sa itsape. Rre Matlho o tlhalositse fa thuo ya dinotshe e siame ka di bereka mmogo go dira mamepe a a felelang a ntsha tswina, e e ka dirisiwang go loka tee kgotsa go tshasa borotho. A re o ikuetse mo go ba lephata la banana go mo thusa go godisa kgwebo ya gagwe jalo o solofetse gore ba mo tswe thuso ka a kile a ikopanya le ba Molepolole. A re kgwebo ya gagwe e a gola ka gore dikolobe di a ata ka e le nngwe fela e kgona go tsala dikolojwane di le masome a mabedi le bone. Rre Matlho o tlhalositse fa maikaelelo a gagwe ele go rekisetsa batho le mabenkele gore kgwebo e tswelele e gole. O boletse fa go le molemo go itirela ka diatla ka go le bogadi bo gaufi jalo a rotloetsa banana go ikemela ka dinao go dira ka diatla le go sola molemo mananeo a puso e thusang banana le Batswana ka one. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Palapye o tlhoka ditsela Mopalamente wa Palapye Rre Moiseraele Goya a re go gola ga motse wa Palapye go tlhokana le ditsela tsa sekonotere tse di tlaa fokotsang mosuke wa dikoloi. Fa a bua le banni ba kgaolwana ya Extension 5 mo Palapye, Palapye a tlhola lesome le bosupa, Rre Goya a re khansele potlana ya Palapye e tshwanetse go dira ditsela tsa sekonotere tse di tla thusang go fokotsa mosuke. A re ditsela tse di tshwanetse go thusa dikoloi tsa setshaba tse di tla bong di tswa kwa maemelong a masha a dipalamo tsa setshaba. A re ga go na mosola wa gore khansele e age maemelo a masha a dipalamo tsa setshaba mme dikoloi tsa setshaba bogolo jang dithekisi di bo di sa kgone go isa setshaba kwa se batlang go ya teng. Rre Goya a re go itsa mosuke wa dikoloi tse di tswang Gaborone, Francistown le Serowe di tsena mo Palapye, go tshwanetse ga nna le tsela e tswang mo Palapye e wela mo go ya Francistown, go fokotsa mosuke wa dikoloi fa go sa tlhokafaleng teng. A re khansele e tshwanetse go akanyetsa go tshela tsela e e fetang kwa mabitleng a Mmaphula e wela kwa tseleng ya Francistown gore dikoloi tse di yang le tse di tswang Francistown di dirise tsela eo go na le go dirisa tsela e e fetang ka marekisetso a leokwane a Engen. A re ba ba tswang Gaborone ba ka dirisa tsela e e tsenang mo khurumela. Mo godimo ga se a re motse wa Palapye o tlhokana le mesele ya metsi gore fa dipula di nele metsi a kgone go laolesega. A re mo bogompienong ke selelo sa khuranyo ya meno fa dipula di nele mo Palapye ka metsi a thibela batho mo malapeng ebile go sa tsamaege. A re khansele potlana ya Palapye e tshwanetse go itebaganya le seemo se. Mo godimo ga se a re Palapye o tlhoka lebala la metshameko le le akaretsang metshameko e e farologaneng gore batshameki ba tshwarele dikgaisano le ikatiso mo go lone. A re Palapye o na le ditlhopha tse di farologaneng tsa metshameko tse di nang le kgwetlho ya mabala a di ka tshamekelang mo go one. Fa a tswa la gagwe mogolwane wa kompone ya metsi ya Water Utilities Corporation mo Palapye Rre Matlotlo Obusitswe a re kgaolwana ya Extension 5 le 6 ga mmogo le tse dingwe tse disha, ga di na metsi sentle ntateng ya tlhaelo ya madi go gokela kgaolo eo. A re tlhaelo ya madi e santse e emisitse go gokelwa ga metsi mo dikgaolwaneng tseo, mme a tlhalosa fa puso e sa nna fela mme e santse e leka go rarabolola kgwetlho e. O rotloeditse banni ba Palapye go somarela metsi, a re lefatshe leno le na le tlhaelo e tona ya metsi, a tlhalosa fa matamo a Bokaa le Nnywane a setse a tswetswe ka gore a kgadile. BOKHUTLO society 9 Lenaneo la Sesigo le alosa baithuti Dialogane tsa boranyane jwa lenaneo la sesigo di kopilwe go kgaogana le morafe maitemogelo le mosola wa go inaakanya le ba metlobo ya dibuka. E rile a abela ba ba neng ba fetsa dithuto tsa bone ditlankana bosheng, mogolwane mo lephateng la banana, metshameko le ngwao, Rre Dominic Botshelo a tlhalosa fa lephata la gagwe le tshwaragane le ba metlobo ya dibuka go netefatsa gore setshaba se itse ka mosola wa metlobo ya dibuka. E rile a ema batsena moletlo ka lefoko mogolwane wa metlobo ya dibuka kwa Selebi Phikwe, Rre Boikago Medupe a tlhalosa gore maikaelelo le maitlamo a bone ke go ruta setshaba ka dikitso tsa maranyane, go ithuta le go fetisa melaetsa ka inthanete. O tlhalositse gore fa dithuto tse di fiwang baithuti di ka tsewa ka tlhwaafalo di ka tlhabolola matshelo a batho jaaka go tsena mo go tsa kgwebo. O tsweletse a tlhalosa fa e se botlhe ba ba kgonang go tsena ka kgoro ya metlobo ya dibuka ka mabaka a a farologaneng a tshwana le go tlhoka nako mme a tlhalosa gore go na le thulaganyo e e dirwang ka go ikopanya le bone gore motho a kgone go ithuta a le kwa lwapeng. O tlhalositse gore dithuto tsa go nna jalo di ka akolwa ke mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore motho o nale dingwaga di le kae. Rre Medupe a re lenaneo la Sesigo le ntse le tsaya dikgwedi tse tharo mme mo nakong eno le tsaya dikgwedi di le tlhano gore baithuti ba aloge. A re go simolola ka Tlhakole ngwaga o o fetileng le mono ngwaga go ema ka kgwedi ya Hirikgong ba kwadisitse baikopedi ba lenaneo la Sesigo ba le 200. education 4 Badiri ba tlhatlhelela ba Maokatumo Badiri ba lephata la Botsogo le Boitekanelo ba re go botlhokwa go ruta batho ka malwetse a a sa tshelanweng. Ke sone se e rileng bosheng jaana, kokelwana ya Palapye le lekalana la District Health Management Team (DHMT) ba neng ba buisa phuthego kwa Maokatumo. Motlhatlhelela dithuto tsa maranyane kwa BIUST, Dr Sebusi Odisitse, o tlhalositse fa go le botlhokwa gore batho ba lemotshwe le go rutwa ka tsa botsogo. A re dipalo di supa fa batho ba le 41 million lefatshe ka bophara ba tlhokafala ngwaga le ngwaga ka ntata ya malwetse a a sa tshelanweng jaaka kankere, malwetse a pelo le sukiri. Dr Odisitse o kaile fa go le botlhokwa gore batho ba rutwe gore motho ba ka itibela jang kgatlhong le malwetse a. O rotloeditse setshaba go itlhatlhobela malwetse a mofuta o gore ba a tsibogele ka nako fa ka a sena dikai tse di lemotshegang ka bonako. A re ke maikarabelo le tshwanelo ya mongwe le mongwe go tsaya karolo mo go lwantsheng malwetse a, a tlhalosa fa go kgonega gore motho a thibele malwetse a ka go fokotsa go goga motsoko le go nwa bojalwa phetelela, go ja sentle le go itshidila mmele. Dr Odisitse o ne a tlhalosa fa malwetse a, a remeletse thata mo bathong ba ba magareng ga dingwaga tse di masome mararo le tse di masome a marataro le boferabongwe. Mongwe wa baoki, Mme Keemenao Sebeti o boletse fa batho ba tshwanetse go emela botsogo jwa bone ka dinao. O boletse fa dijo di na le seabe se se ntsi mo botsogong, ka jalo a rotloetsa gore go jewe sika loo mabele, merogo le tse di senang mafura a mantsi. O kopile setshaba go ikatumetsa ba botsogo fa ba utlwa mebele e sa tsoga sentle, go na le emela gore bolwetse bo kekele. health 6 Autlwetse o gomotsa badiri Mothusa tona wa temo-thuo Rre Kgotla Autlwetse a re fela jaaka babereki, go tswalwa ga kompone ya diteemane (TMC) go ba tshoganyeditse e le puso. O buile se fa a ne a buisa babereki ba pele ba kompone eo kwa phuthegong e e neng e tshwaretswe kwa sekoleng se segolwane sa Swaneng ka Labotlhano kwa Serowe. A re seru se se ba wetseng se utlwisa botlhoko. O bile a supa gore ba ne ba kopana go bona gore ga go na se se ka dirwang gore madirelo a o a se tswalwe. Rre Autlwetse a re e le puso ba ne ba kopana le bogogi jwa kompone kwa Gaborone go tla go utlwa gore ba ka tswa ba na le mathata a eng, mme ba supa fa go le turu go tsamaisa kgwebo ya mofuta o mo Serowe e bile ba sa tlhole ba na le kgatlhego. Mothusa tona a re fa ba sa ntse ba le mo dipuisanong le ba kompone eo, ba lekgotla la babereki ba meepo ba Botswana Mining Union ba bo ba isa kgang kwa kgotla tshekelong, ka jalo a supa fa ba ka seke ba ame dikgang dingwe ka di le fa pele ga lekgotla. Rre Autlwetse a re ntswa ba ne ba dira maiteko, a go okela kompone e e neng ya supa kgatlhego go ka tsweledisa madirelo, ka maswabi ba kompone ya TMC ba rekisa lefelo leo ka jalo maiteko a bone a itaya sefololetse ka ba ne ba sena lefelo le ba ka tlang ba direla mo go lone. E re dikgang di eme jalo, bangwe ba babereki ba pele ba supile fa puso e ne e ba itlhokomolositse go fitlhelela ba isa kgang ko pele. Ba supile fa ba na le dikgwetlho tse di tshwanang go sa tshidisiweng sentle ke dibanka tse ba adimileng madi mo go tsone ka go ba tshosetsa ka go ba gapela dithoto. Ba ile ba kopa Rre Autlwetse go ba buelela le ba dibanka go emisa merokotso. E rile a tswa la gagwe mothusa tona a ba raya a re fa motho a adima madi mo dibankeng banka e sireletsa madi a ba a tsayang gore fa motho a ka tlhokafala kana a senyegelwa ke tiro tshireletso eo e bo e duela sekoloto seo. O ne a ba rotloetsa go tsibogela mananeo a puso go itshetsa ka puso e ka seke e kgone go thusa batho botlhe. economy_business_and_finance 3 Banni ba kopilwe go dirisa tshwanelo ya go tlhopha Banni ba Takatokwane kwa kgaolong ya potlana ya Letlhakeng ba gwetlhilwe go tlhomamisa gore ba diragatsa tshwanelo ya bone ya go tlhopha mo ditlhophong tse di tlang gonne tlhopho ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe e bile ke tsela e motho a ka supang dikeletso tsa gagwe ka yone. Mo phuthegong e e neng e rulagantswe ke ba ofisi ya ditlhopho go rutuntsha banni ba motse oo ka tsamaiso ya ditlhopho, mogolwane wa ofisi ya ditlhopho go tswa Letlhakeng, Rre Gakenosi Motshwarakgole o boletse fa go le botlhokwa thata gore Batswana ba tlhaloganye fa tlhopho e le yone tsela e motho a ka supang dikeletso tsa gagwe ka yone, ka jalo a ba lemotsha fa go le mo maruding a bone go tlhopha puso e ba e eletsang. A re go tlhopha go botlhokwa thata ka ke tsela ya go feela gore ditlhabololo le ditlamelo di nne teng. O gakolotse batlhophi go itse fa ba na le ditshwanelo ka jalo a ba tlhagisa gore ba seka ba itetlelela go sukurwa ke mapolotiki ka letsatsi la ditlhopho gonne le botlhokwa mo go bone e bile le kgona go fetola matshelo a bone. O ba gakolotse gape go tlhomamisa gore bo Omang ba bone ba nna fa go babalesegileng le gore ba tla bo ba le mo tirisong ka nako ya ditlhopho, mme a kopa ba ba latlhegetsweng ke dikarata tsa go tlhopha go ikgolaganya le ofisi ya ditlhopho go dira meriti ya tsone. Rre Motshwarakgole o gakolotse bontlhopheng go tshwaragana le ba ofisi ya ditlhopho go rutuntsha setshaba ka bomosola jwa go tlhopha gore molaetsa o goroge sentle kwa setshabeng ka jaana go tlhokana le gore ba-na-le seabe botlhe ba tsenye letsogo mo go fetisetseng molaetsa wa go tlhopha kwa setshabeng. E rile ba akgela, banni ba supa fa go lebega bangwe ba santse ba tlhaela kitso ka go tlhopha. Rre Thomas Batlhophi o boletse fa bangwe ba sa tlhophe gotlhelele ka ba sa tlhaloganye mosola wa go tlhopha ka jalo a ikuela mo go ba ofisi ya ditlhopho gore e re mo isagong ba rutuntshe setshaba ka mosola wa go tlhopha nako e sale teng.Bokhutlo politics 7 Matlwana a boitiketso a setshaba a tlaa baakanngwa Khansele-potlana ya Mahalapye e mo lenaneong la go baakanya matlwana a boitiketso a a kwa maemelong a dipalamo tsa setshaba. Mo potsolotsong, mogolwane wa tsa kanamiso mafoko, Rre Goratileone Kgwadu o supile fa matlwana ao a se mo tirisong. O boletse fa khansele e ne ya emisa tiriso ya matlwana ao morago ga go itemogela tshenyo e e dirilweng mo go one. Rre Kgwadu a re mo nakong eno, khansele e mo letsomong la madi a go shafatsa matlwana ao, go leka go a busetsa mo seemong sa go ka dirisiwa ke setshaba. Le fa go ntse jalo, a re sengwe se se tshwenyang ke go bona bangwe ba tsweletse ka go ithomela ka fa morago ga matlwana ao. Rre Kgwadu a re go dira jalo go leswafatsa tikologo e bile go a fatlha mo matlhong a setshaba. O supile gore e tlaa re morago ga go shafadiwa a bapadiwe gore bangwe ba tsee boikarabelo jwa go a tsamaisa jaaka e ntse e le tlwaelo, e bile e le tsela nngwe ya khansele go dira letseno. politics 7 Lekalana le tshwenngwa ke kgolo ya dikotsi Mogolwane wa Motor Vehicle Accidents (MVA) Fund, Rre Michael Tlhangwane a re kgolo ya dikotsi tsa tsela e gwetlha gore go itebaganngwe le manokonoko a a bakwang ke dikotsi tsa tsela mo matshelong a batho gammogo le itsholelo. Go supilwe fa ka ngwaga, batho ba le 168 ba letlhegelwa ke matshelo, mme go tsweng kwa ngwageng wa 2015 go ya kwa go wa 2017 go supafala fa go ntse le dintsho di le masome mararo le boferabongwe mo lekgolong mabapi le dikotsi tsa tsela. Rre Tlhangwane a re letlole la MVA le thusa ka dituelo tsa bongaka le kalafi, dituelo tsa tatlhegelo le letseno la itsholelo, dituelo tsa ditshenyegelo tsa phitlho le tatlhegelo ya tlhokomelo. Osupile fa lekalana la gagwe le itemogela ditlamorago tse di ngomolang pelo jaaka tsa botsogo le boitekanelo jwa batho, go latlhegelwa ke bokgoni jwa go itshetsa. O tlhalosa fa go dirisiwa madi a mantsi mo bongakeng, ka lefatshe leno le santse le ikaegile thata ka bongaka jwa mafatshe a sele. Rre Tlhangwane a re kgolo ya dikotsi tsa tsela e ama mongwe le mongwe ka ditsela tse di farologanyeng jaaka mananeo a puso a ditlhabololo itsholelo, maduo kwa ditirong, go latlhegelwe ke baitseanape le tsone kgwebo tota. Ka jalo a re mongwe le mongwe o tshwanetse go tsenya letsogo mo go lwantsheng dikotsi tsa tsela. O ne a ikuela mo go boradikgwebo ba ba rutelang go kgweetsa go tsenya letsogo mo go rotloetseng ipabalelo tseleng le thibelo dikotsi tsa tsela. Fa a latlhela la gagwe, mothusa mokwaledi mo lephateng la dipalamo le ditlhaeletsano, Rre Garekwe Mojaphoko o ne a supa fa Sweden, e le lefatshe le le nang le itemogelo ya botlhokwa mo ipabalelo tseleng ka e le bone ba ntlha go tsenya mabante mo dikoloing lefatshe ka bophara. Rre Mojaphoko a re tiro ya lephata la gagwe ke go aga ditsela, mme a supa fa mo nakong eno, madi a kago ya ditsela a menagane gararo, go tswa ka 1990. A re madi a a dirisiwang ke ba MVA go duelela dikotsi tsa tsela a mantsi a ka tlhabolola ditsela. O ne a tlhalosa fa ba tshwaraganetse kgetsi ya tsie le ba mafatshe a SADC. A re lefatshe leno le fa gare mme bontsi jwa dithoto bo feta ka lone, ka jalo go agwa ga borogo kwa Kazungula go kgabaganya noka ya Zambezi go ya go oketsa mosuke wa dikoloi tse di rwalang dithoto mo ditseleng tse ditona tsa lefatshe leno. A re ba mo thulaganyong ya gore makgotla otlhe a a amegang mo tirisong ya melao ya tsela a kopane mo bogaufing, go tswa ka tharabololo ya se se ka dirwang go baakanya melao ya tsela gore e tsamaelane. A re ba simolotse gape go batla mafelo a boitapoloso a bakgweetsi ba megobagoba, a tlatsa ka go re a tlaa neelwa ba ba ikemetseng go a tsamaisa. Kgosi wa Serorome, Rre Samuel Maforaga o supile fa a tshwenngwa ke batho ba ba kgweetsang ka lobelo lo lo feteletseng fa gare ga motse wa Palapye, le dikoloi tse di tsentsweng dihutara tse di dirang modumo o montsi thata. A re modumo oo o kgona go phadimosa bakgweetsi ba bangwe mo tseleng gammogo le batsamaya ka dinao. Fa a afa malebo, mothusa modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye, Rre Gabagopole Sebele a re lefatshe leno le tlhasetswe ke bodimo ba le babedi, dikotsi tsa dikoloi le HIV/AIDS. A re bodimo bao ba digile itsholelo ya lefatshe leno ka tsela e e hutsafatsang. O ne a rotloetsa bakgweetsi go tsaya boikarabelo a re fa ba ikutlwa ba lapile ba ikhutse, gape mongwe le mongwe a nne lepodisi la mokgweetsi yo mongwe. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Sesupa-tsela se botlhokwa Moemedi wa mokgatlho wa masupatsela wa Good Hope First Troupe, Rre Isaac Botlhoko, a re mokgatlho wa sesupa-tsela o botlhokwa ka o rotloetsa banana go gola ba itekanetse mo mmeleng, tlhaloganyo, sedumedi ga mmogo le go gola ba itse tse di siametseng tikologo e ba golelang mo go yone. O buile se mo phuthegong e ba neng ba e rulagantse go abelana le morafe wa Goodhope, ka botlhokwa jwa mokgatlho wa sesupa tsela bosheng kwa kgotleng. Rre Botlhoko o tlhalosiste fa mokgatlho o o anameng lefatshe ka bophara, o rotloetsa banana go ikgapha mo boitsholong jo bo ka ba gogelang mo diphatseng jaaka tiriso ya dino-tagi le bogodu. O tlhalosa fa ba tlhamile mekgatlho e mo dikoleng tsotlhe kwa Goodhope go thusanya le batsadi mo kgodisong ya bana ka botho jo bo eletsegang. O tsweletse a tlhalosa fa sekole se segolwane sa Goodhope se tlaa thusa gore mokgatlho o aname le Botswana ka se amogela baithuti go tswa kwa mafelong a le mmalwa mme ba tlaa kgona go simolodisa mokgatlho o kwa metseng ya bone, selo se se tlaa fetolang maitsholo a banana ba lefatshe leno. O ne a kopa batsadi go rebola bana ba bone go tsenelela mokgatlho o ka o tsweletse ka go ntsha banana mo mekgwatheng mme e bile a solofela fa borukutlhi bo tlaa fokotsega mo kgaolong ya Borolong. Rre Botlhoko a re mokgatlho o, o tsweletse gape ka go supa mowa wa bopelotlhomogi mo go ba ba tlhokileng lesego kwa motseng wa bone. “Re ithaopa ka go phepefaletsa bana-le-bogole, batlhoki le ba bangwe ba ba tlhokileng lesego, mme e bile re itlamile go tswelela gape le go lebagana le go tlhabolola motse wa rona,” Rre Botlhoko a tlhalosa. Fa a latlhela la gagwe, mothusa Kgosi wa Goodhope, Kgosi Alex Marumoloa, o ne a tlhalosa fa boitshwaro jo bontle bo bonelwa kwa mokgatlhong wa masupatsela. BOKHUTLO health 6 Batswana ba araba kopo ya ga Tautona Mo maetong a gagwe a go lekola Batswana, Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama o ne a lemoga fa go na le Batswana ba ba tlhokang bonno, dijo le diaparo. Tona wa tlhabololo temo-thuo le dijo, Rre Patrick Ralotsia a re ka jalo Tautona o ne a ikuela mo Batswaneng go kopa dithuso gore ba ba batlhokileng lesego ba agelwe matlo a sennela ruri. Tona Ralotsia o buile mafoko a fa a ne a abela Mme Keitumetse Langwane ntlo kwa Qabo e e agilweng ke bodiredi jwa lephata la gagwe. Rre Ralotsia o kopile Batswana go ntsha sepe se ba nang le sone go thusa ba ba tlhokang go ba agela bonno le gone go ba thusa ka diaparo le dijo. Tona o ne akgola bodiredi jwa lephata la gagwe mo Ghanzi go bo ba tsibogetse go araba boikuelo jwa ga Tautona. Tona a re ka Setswana ga twe setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata, mme e bile bana ba motho ba kgaogana tlhogo ya ntsi, ka jalo ba tshwanetse go tshwara thata go ya kwa pele. Rre Ralotsia a re go na le kgonagalo ya gore go nne le bangwe mo tirong ba ba sa dirisanyeng le ba bangwe fa go na le letlhoko mme a gwetlha ba ba tshwereng ka natla gore ba seka ba nyemisiwa moko ke bodiredi joo ba gatele pele. Tona a re Batswana ba tshwanetse go nna le mowa wa neelano le bobelotlhomogi fa ba bona motho yo mongwe a sa tshele sentle kgotsa a gateletswe ke mabaka a botshelo. Tona a re go thusa yo o tlhokileng lesego mo botshelong ke go ikokeletsa malatsi a botshelo. A re dikgwetlho di dintsi mme fela ga ba a tshwanela go lebelela fela ba ba sa tsheleng sentle go se na se ba se dirang go ba tswa thuso. Tona Ralotsia a re batho ga ba lekane e se meno mme fela ba tshwanetse go leka bojotlhe go tswa ba bangwe thuso fa ba le mo letlhokong. O ne a kopa Mme Langwane go tlhokomela ntlo eo. A re le bone banni ba motse oo ga ba a tshwanela go fufega fa ba bona mongwe a abelwa mpho e tshwana leo. E rile mogokaganya ditirelo tsa temo-thuo mo Ghanzi, Mme Meriam Munamava a ntsha la gagwe a tlhalosa fa ba ne ba dira madi ao ka ditsela tse di farologanyeng e bile basa ipone tsapa go fitlhelela ba wetsa tiro ya bone. Mme Munamava a re ba ne ba tswa ka mogopolo oo ka 2014, mme ya re ngwaga ono o simolola ba ya go bona ofisi ya boipelego go ba neela leina la motho yo o tlhokang kwa Qabo. Mme Munamava a re fa ba sena go neelwa leina la ga Mme Langwane ba ne ba simolola go aga. A re ntlo eo e ne e agwa ke bodiredi jwa gagwe ka gore go ne go se na madi a phiro ya baagi. Mme Munamava a re ba ne gape ba agela Mme Langwane tshimo gore a kgone go itshetsa ka yone. E rile a amogela ntlo eo, Mme Langwane a leboga bodiredi joo, a tlatsa ka go re ba mo tlotlomaditse ka ebile o ne a sa solofele gore nako nngwe o tlaa ipona a na le ntlo ya sennelaruri. society 9 BCP e amogela maloko a masha E ne yare bosheng Botswana Congress Party (BCP) ya amogela maloko a masha a le lesome le bosupa kwa Moletemane. Rre Taolo Lucas, ntlhopheng wa bopalamente, o ne a rurifatsa seo kwa phuthego ya phatlalatsa ka mafelo a beke kwa kgaolong ya Moletemane kwa Bobirwa, a tlhalosa fa ana le dingwaga dile lesome le botlhano a emetse ditlhopho mme e bile a ne a ntse a lebile lehuma, kwelo tlase ya thuto le botsogo tse di apesitseng Babirwa kobo ka letshoba. A re ele ba BCP ba aga areka e ka yone ba ka tsisang ditlhabololo mo kgaolong ya Bobirwa ka bophara jaaka go na le kgwetlho e tona ya metsi le go tlhomamisa gore ba nwa metsi a letamo la Thune. A re mo nakong eno ga gona diphaephe tse di isang metsi a letamo leo mo kgaolong ya Bobirwa, a supa fa metsi a letamo leo a kgabisitse fela gona le gore a kabo a nowa ke batho ba dikgaolo tseo. Rre Lucas o tlhaloseditse batlhophi gore fa ba ka tshameka ka tlhopho ya bone, phathi ya BDP e ya go tsaya metsi e a isa kwa dikgaolong tsa Borwa ntswa kgaolo ya bone e lela sa khuranyo ya meno ka seemo sa metsi. A re kgwetlho e nngwe e tona mo kgaolong ya Bobirwa ke bolwetse jwa tlhako le molomo, mme ntlhopheng wa bopalamente Rre Shaw Kgathi ga a buiwe sepe ka yone, a tlatsa ka gore bone e le ba BCP ba re go tsenngwe terata ya motlakase gore leruo le diphologolo di seka tsa kopana letsa lefatshe la Zimbabwe. O boletse fa Rre Kgathi a latlhegelwa ke mowa wa boutlwelobotlhoko bogolo jang mo dikgannyeng tse di amang leruo. A re bone e le ba BCP ba ya go leka go tsholetsa madi a phimola keledi, fa leruo le le tlodileng molelwane le bolawa, gona le P400.00 o fiwang batho mo nakong eno. Fa ema ka a gagwe maitlamo, ntlhopheng wa mokhanselara wa kgaolo ya Moletemane, Rre Johannes Gaosikelwe a re o tla itebaganya le dikgang tsa katoloso ya kokelwana ya Moletemane gore e nne le lekalana la pelegi, le gore a bo e ka bulwa letsatsi lotlhe. Ntlheng e nngwe a re gonne le dikokelwana tsa nakwana kwa dipolaseng le go gopiwa ga tsela ya Moletemane go ya Tsetsebye le Majotshipa ka metlha kana morago ga kgwedi tse tharo, le go kgaratlhela gore go e tshelwe sekonotere, dilo tse a reng di tsdhwanetse go tsenngwa mo ditogamaanong tsa lefatshe ka bofefo. A re maikaelelo magolo a phathi ya BCP ke go tsholetsa maemo a mololwane wa Zanzibar le go ntsha ditlamelo tsa ditsha go tswa kwa kgaolong ya Tswapong go di isa kwa kgaolong ya Bobirwa, le tsone dithuso tsa temo thuo, banana le tse dingwe go tla mo Moletemane. BOKHUTLO politics 7 Motse wa Karakubis o tsosolosa ngwao Motse wa Karakubis mo kgaolong-potlana ya Charleshill o ne o tshwere moletlo wa go tsosolosa ngwao ka mafelo a beke. Jaaka metse e mengwe, Karakubis o ne a seka a salela kwa morago mme a araba thotloetso ya puso ya go tsosolosa ngwao. E rile a baya morafe lefoko, moemedi kwa ofisng ya mopalamente wa kgaolo ya Ghanzi Borwa, Rre Mogomane Lekgari, a re meletlo e e ntseng jaana e botlhokwa thata ka dikokomane di nna le sebaka sa go anywa sengwe. A re, se rotloetsa gore bana ba nne le se ba ipelafatsang ka sone le metse ya bone. O ne a tswelela a re setlhogo sa letsatsi sa: Tsosoloso Ngwao ya Karakubis le Merafe ya One, se tlile ka nako e e maleba jaaka kgaolo ya Ghanzi e tloga e amogela molelo wa kgolagano; o e leng gore ka one Batswana ba ipaakanyetsa meletlo ya ipelelo dingwaga tse di masome matlhano lefatshe la Botswana le tsere boipuso, mme e le yone sesupo sa popagano ya merafe ya Botswana. Rre Lekgari o ne a akgolela ba ba rulagantseng moletlo, a re ba nne ba tswelele fela jalo ba gole gore ditso le ngwao tsa motse wa Karakubis di kgone go somarelwa. Dibui ka go farlogana di ne tsa supa ka fa merafe e e farologaneng e tlileng ka teng mo motseng o, mme ba kgothatsa gore popagano e e nnileng teng malobeng e nne e tswelele fela jalo. Merafe e e akaretsang Barolong, Batlhware, Bangologa, Bakgothu, Basarwa le Baherero e fitlhelwa mo motseng wa Karakubis mme yotlhe e le e e sa tlholegeng teng. Letsatsi le le ne le natefisiwa ka go supa mefuta ya dijo tsa Setswana, kapari ya setso, didirisiwa tsa setso, mmino le dipina tsa setso. Mme mo maitseboeng a Labotlhano ba ne ba natefisa ba tlhagolela letsatsi la ngwao ka go bina dikhwaere tsa setso, diletso tsa ditinkane, maboko le dipina tsa setso. O ne o rulagantswe ke setlhopha sa Tshwene Makopo traditional group ka thotloetso ya lephata la banana, metshameko le ngwao. arts_culture_entertainment_and_media 0 Baithuti ka bontsi ba tlogela sekoe Baithuti ba le lesome le boraro ba sekole sa magare sa Nkange kwa kgaolong potlana ya Tutume, ba dule mo sekoleng ka lebaka la boimana dikgwedi tse di ferang bongwe tse d fetileng. Mafoko ao a builw ke mogokgo wa sekole seo sa Nkange, Rre Kgopotso Mphuthe, fa a ne a lekodisa ka dikgwetlho tse ba nang natso mo sekoleng. Rre Mphuthe a re se se ngomolang pelo ke gore bana bao ba imisiwa ke batho ba sele ga go na epe kgang e mo go yone, moithuti a imisitsweng yo mongwe. O ile a gwetlha batsadi go tsibogela kgang ya boimana jwa baithuti ka dipalo di nna di oketsega ngwaga le ngwaga gape go ama maduo a sekole. Mogokgo o ile a re kgwetlho nngwe e ba nang le yone ke ya baithuti ba ba tsamaya sekgele se seleele go ya sekole, a re seo se ama maduo a bana ka ba goroga ba lapile mme ba se ke ba kgone go reetsa sentle. O tlhalositse fa sekole se dira sentle mo dithutong gammogo le mo metshamekong. A re sekole se mo maemong a ntlha mo maduong a lekwalo la boraro a ngogola mo kgaolong ya Tutume, e bile ba ne ba atswiwa ka madi a kana ka P20 000 le P10 000 wa sekole se se itikeleng. Sebui sa tlotla sa letsatsi leo, mmueledi wa kompone ya Isaac Seloko and company, Rre Isaac Seloko o ne a gwetlha baithuti go tlhoafalela dithuto tsa bone. Rre Seloko o ile a re fa ba le mo botshelong ba tshwanetse go lora ba tshwana le bangwe bahumi ka jalo seo se tlaa ba rotloetsa gore ba kgone go ipetlela tsela ya botshelo ba sa le bannyenyane. O ile a ba kgothatsa go senka dikitso kana go dira dipatlisiso mo maranyaneng a sesha go leka go anywa kitso. A re bone ba sego ka ga ba tshwane nako ya bone ka gone go se na maranyane le one motlakase mme ba kgonne go fitlhelela maikaelelo a bone ntswa ba ne ba lebanwe ke dikgwetlho tse di kalo. Sekole sa Nkange se amogela baithuti ba ba tswang kwa metseng ya Senete, Mabua, Changate le Nkange. BOKHUTLO society 9 Elijah o apaa tse di kgaolang monwana E re ka lefatshe leno le aperwe ke mathata a kgwelo tlase ya itsholelo le letlhoko la ditiro le le kwa godimo, bangwe ba bona go le botoka go itshwarela ka diatla, ba tshele ka mofufutso wa phata tsa bone. Mang le mang o a lemoga gore mo nakong eno kgomo tsentse thako kgamelong mo mhameng wa itsholelo lefatshe ka bophara. Puso ya lefatshe leno e setse e tlhabile mokgosi gore e ke nako e e tlamang motswana mongwe le mongwe yo onang le bokgoni go thusa go tshwakanya itsholelo ka ditsela tse di farologanyeng jaaka go itshimolodisa dikgwebo tse ka tsone di ka imololang puso morwalo wa bo atlhama ke go jese. Mme Mbako Elijah o nnile tsebe ntlha go utlwa mokgosi o, ya re go bona botshelo bo shenne meno, mphure a harelwa, le gone a itse fa phokoje go tshela yo o dithetsenyana, Mme Elijah a ikitaya ka thupana. A lemoga gore e tla re a re o tshela sentle a bo a ka itshimolodisa kgwebo e e ka mo thusang go bona dithebe tsa go fepa ba lwapa la gagwe. Mme Elijah kgotsa Mmantikini jaaka bareki ba gagwe ba tlwaetse go mmitsa o itsege ka botswerere jwa go apaya dijo ka go farologana. Ba ba tsamaelang ntlheng ya marekisetso a Choppies kwa Tutume ka nako ya dijo tsa motshegare ba itse sentle gore botswerere jwa go apaya dijo tsa Setswana ke eng. Mme Elijah o setse a le dingwaganyana a bonwa fa tlhoko ga tsela foo a le mo kgwebong ya gagwe ya go rekisetsa morafe dijo tsa motshegare. O rekisa dijo di akaretsa dikgobe, bogobe jwa lerotse, morogo wa dinawa o o apeilweng ka manoko, seswaa, lebelebele le tse dingwe ka go farologana. Mme Elijah o tlholega kwa motseng wa Nshakshogwe mo kgaolong potlanaya Tutume, ke motho wa maloba ka ngwagawa1956 mme fela botlhaga jwa gagwe o ka latola gore o gagabela go tshwara masome a marataro a dingwaga. Mme yo o tswa kgakala le tsa kapei, a re e sale a simolola ka ngwaga wa 1982 a le mmereki kwa Khansele ya Tutume. Mme Elijah a re o ne a bereka e le morongwa fela dituelo tsa gagwe di ne di sa lekane ba lwapa la gagwe. E re ka go twe mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng, mme Elijah o ne a seka a ipona tsapa, a tshwanelwa ke go tshematshema go dira sengwe se se ka oketsang tuelo ya gagwe. A re o ne a tsaya tshwetso ygo apaya borotho jwa mahura jo bo itsegeng ka go bidiwa magwinya le mapakiwa go rekisetsa badiri ba khansele le ope yo nang le kgatlhego mo mosong pele ba ka simolola tiro ya letsatsi. Dipoelo tsa borotho are di ne tsa dira pharologanyo e ntsi thata mo botshelong jwa gagwe mme a bona fa go ipereka go le bogadi bo gaufi ka jaana motho ga a letle letsatsi la tuelo. Ka jalo a re o ne a tsaya tshetso yago tlogela tiro ka ngwaga wa 2012 go tlhwaafala ka tsa kapei. A re botsipa jwa go apaya o bo tsere mo go mmagwe le mogolowe. Le fa MmaElijah a itsege ka go rekisetsa fa tlhoko ga tsela, o a tle a bidiwe a apeele badiri ba khansele le maphata a mangwe a puso gone mo Tutume fa ba na le mediro kgotsa thuto seka dipuisanyo. A re fa a biditswe jaana o tshegatshega fela a itse sentle gore gotlannale pharologanyo mo kgetsing ya gagwe ya madi. A re ka dipoelo tse a di boneng, o kgonne go duelela ngwana wa gagwe go ya go ikoketsa dithuto ko lefatsheng la Zimbabwe gape o kgonne go gokela metsi le motlakase mo ntlong ya gagwe. Ga go motlhofo mme Elijah a boela ka dijo tse a di apeilweng ko lapeng ka jaana tlhwatlha ya dijo tsotlhe ke masome a mabedi a dipula fela gape go na le bangwe ba a reng ba dirile thulaganyo ya go nna ba mo duela ka mafelo a kgwedi. Mme Elijah a re kgwebo ya go apaya fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe le yone e na le dikgwetlho. A re tlhaelo ya didirisiwa di tshwana dipitsa e dira gore a apeye dijo di se kafe fela le ntshwa theko e le ko godimo. O supile gape fa tlhaelo ya ditilo le ditafole di baya bareki ba gagwe ka fa mosimg ka bangwe ba felela ba ja ba eme ka dinao. A re ka nako ya pula e na gone ke selelo sa khuranyo ya meno ka ga a na yone tante e bareki ba ka nna mo go yone go tshabela pula. Mme Elijah o lela gape ka ditlhwatlhwa tsa nama tse di kwa godimo. Mme Elijah a re le fa dikgwetlho di le teng se se mo itumedisang thata ke gore dipoelo di a nametsa ga go tshwane le a sa ntse a le mmereki, a re ka letsatsi o kgona go dira madi a a tshwarang makgolo a le marataro a dipula. economy_business_and_finance 3 Kgosi Orekeng o itumelela ditlhabololo Ditlhabololo ke nngwe ya dilo tse di atlwang thata ke baeteledipele ga mmogo le banni ka kakaretso fa di tla mo metseng ya bone. Se ke ka ntlha ya gore ba abo ba na le tshepho le tsholofelo ya gore di tlaa tsisa pharologanyo mo matshelong a bone. Fela jaaka baeteledipele ba metse ka go farologana kgosi wa Ntlhantlhe, Kgosi Malepa Orekeng le ene o iteetse ditlhabololo tse di sa tswang go dirwa mo motseng wa gagwe legofi. Mo puisanyong le O kaile fa ditlhabolo tse di akaretsa kago ya diofisi tsa maphata a puso ka go farologana jaaka lephata la banana metshameko le ngwao, la boipelego, ofisi ya ga molaodi magareng ga tse dinngwe. A re go nna teng ga diofisi tse mo Ntlhantlhe go kgaoletse morafe go tsaya mesepele e meleele ka go ba atumeleditse ditlamelo. A re go le pele banni ba ne ba tlamega go latela dithuso kwa mafelong a a kgakajana jaaka Lobatse, Moshupa, Kanye le a mangwe. Kgosi o tlhalositse fa maphata a a sa thuse baagi ba Ntlhantlhe fela mme dikgoro di bulegetse gape le ba metsana e e mabapi jaaka Lekgolobotlo, Magotlhwane, Ranaka le e menngwe ka bogautshwane ka mabaka a gore Ntlhantlhe o mo gare ga yone otlhe. O kaile fa ditlhabololo tse di tsosolosa itsholelo ya Ntlhantlhe ka jaana di setse di tlhametse banni banngwe mebereko mo dikomponeng tsa phepafatso le tsa bodisa dikago. Kgosi o kaile fa morafe o amogetse ditlhabololo tse ka dipelo tse di tsweu mme ba santse ba na le keletso ya gore lefelo le ka atolosiwa, go oketsa ditirelo ka go atumetsa diofisi tsa maphata a manngwe a puso jaaka la dituelo tsa makgetho. A re keletso ke gore lefelo le le tswelele le tlhabologe gore le nne le seriti sa gore ke la maphata a puso le seka la nna lolea fela. A re letlhoko la matlo a boroko a badirela puso ke nngwe ya dintlha tse di santseng di saletse kwa morago, mme di le botlhokwa. politics 7 Mapodise a tlhotlhomisa loso Mapodise a Letlhakane a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme wa dingwaga tse di masome a matlhano le bobedi a belaelwang a ikgapetse botshelo ka go ikaletsa kgwedi e e fetileng e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bofera bobedi bosigo ka nako ya bofera bongwe. Assistant Superintendent Zibani Mbisana o supile fa mme yo a ne a le mmereki wa lekgotla la ditsheko la ga mmakaseterata gone mo Letlhakane. O ne a nna kwa kgotleng ya Mokgobelele mme o tswa kwa motseng wa Mabeleapudi, mo kgotleng ya Kgalagadi. Assistant Superintendent Mbisana a re mme yo, o ne a nna le ngwana wa gagwe wa mosimane, mme e ne ya re pele ga tiragalo a mo leletsa ka Sontaga maitseboa a mo neela dinomoro tsa sephiri tsa dikarata tsa dibanka, nako e ka yone ngwana a neng a le kwa Orapa. Assistant Superintendent Mbisana o supa fa e rile ngwana a tla go tlhola mmaagwe letsatsi le le latelang, a fitlhela lebati le lotletswe mme mogala wa gagwe o lela o le mo ntlong o sa arabiwe. Rre Mbisana a re morago ga go amogela boikuelo jwa ngwana, mapodise ba tla go thusa go bula lebati, ke gone ba fitlhela mme yo a akgega mo marulelong a ntlo. Rre Mbisana a re mmele wa mme yo o ne wa isiwa kwa sepateleng sa Letlhakane mme ba bongaka ba tlhomamisa fa a setse a tlhokafetse. O tlhalositse gore moswi ga a tlogela molaetsa ope a tlatsa ka gore ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. E re dikgang di eme jalo ba sepodise sa Orapa ba tshegeditse banna ba le babedi ba e neng ya re kgwedi eno e tlhola gangwe makuku a naka tsa kgomo ba tshwarwa ka setlhatshana se se belaesegang e le motokwane sa bokete jwa 20kg. Banna ba, ba ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le bofera bobedi le masome a mararo ba tshwerwe kwa kgorong ya terata ya taolo matlhoko a leruo ya Mokobaxane ba le mo mosepeleng go ya Maun. Assistant Superintendent Molefhe a re banna bao ba tlholega mo Letlhakane. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Mbulawa o gopola masiela Bana ba Motse wa Tsholofelo le ba Motse wa Kgalalelo ba ne ba phophoma ka boitumelo morago ga gore modulasetilo wa khansele ya Bokone Bophirima, Rre Reaboka Mbulawa, a ba abele dimpho tsa keresemose le go ja le bone dijo tsa motshegare. Metse ya Tsholofelo le Kgalalelo e tlhokomela bana ba masiela le ba ba bang le matlhoki kwa malwapeng a bone. Modulasetilo o ne a gopola gape setlhopha sa kgwele ya dinao sa Komana ga mmogo le Rre Steven David, monana yo a saleng a mo ithaopela go mo tlhokomela a sale kwa kwa Thusong Rehabilitation Centre yo jaanong a tsenang sekole kwa Pudulogong kwa Mochudi. Fa a bua kwa moletlong oo, Rre Mbulawa o tlhalositse fa bana ba ba tlhokileng lesego ba tshwanelwa ke go fiwa lerato le kemo nokeng fela jaaka bana ba bangwe. A re fa go tla malatsi a botsalwa jwa Morena go botlhokwa go gadima ba ba tlhokang gore ba seka ba nna le boitlhobogo. Modulasetilo o ne a gwetlha morafe go tsaya boikarabelo jwa go supa mowa wa lerato le bopelotlhomogi mo go ba ba kobo dikhutshwane. A re ene fa a tsena mo khanseleng, o ne a ipolelela gore bontlha bongwe jwa dipoelo tsa gagwe o tla bo boloka gore a tle a kgone a thusa bana ba ba tlhokang. Rre Mbulawa a re kgaolo ya Ngamiland e aparetswe ke dikgwetlho tse dintsi tse di tlhokang botlhe go ema ka dinao go batla ditharabololo. E re ka moeltlo oo o ne o kopane le wa chairman’s ball, modulasetilo o ne a tlhalosa fa bokopano joo jo bo neng bo ngokile bogogi jwa kgaolo, makgotla a a ikemetseng le bana le seabe bob a fa sebaka sa go itshekatsheka le go gone go buisanya ka dikgwetlho tsa kagolo le gore di ka lwantshiwa jang. E ne ya re a tswa la gagwe, mokwaledi wa khansele, Rre Mozondick Moswete a tlhalosa fa bana ba dikhutsana ba tlhoka thotloetso, bogakolodi le lorato gore bag ole ba na le boikarabelo mo setshabeng. A re se modulasetilo a se dirileng se a itumedisa ka jaana se tsamaelana le moono wa lephata la dikagolo le tlhabololo matshelo o o reng “Batho pele”. A re Rre Mbulawa o supile fa a kgathala ka matshelo a Batswana mme a mo rotloetsa go tswelela ka mowa o montle oo politics 7 Go tlhoka go tsibogela dikotsi go a tshwenya lick to see more pictures Modiri wa Botswana Defence Force (BDF), Sergeant Thomas Mokganya, kwa Gaborone, o supile ngongorego ya gore badiri ba dithuso tsa potlako ka go farologana ga ba tsibogele dikotsi ka bofefo jo bo nametsang. Sergeant Mokganya o buile jaana fa a ntsha bosupi fa pele ga lekoko le le tlhomilweng go batlisisa se se bakileng kotsi ya terena ya batho ya Botswana Railways ka Sedimontlhole, ngogola. A re kotsi epe fela ke selo se se masisi, se gape se kgonang go gapa matshelo a batho kgotsa go baka dikgobalo. Ka jalo, o kgadile seemo se a reng o se itemogetse a ntse a le mo loetong mo kgaolong ya Mahalapye, se a reng gantsi ba dithuso tsa potlako ga ba goroge ka bofefo kwa lefelong la kotsi. Selo se, a re se a tshwenya ka gore batho ba ba amegileng ba a bo ba tlhokana le dithuso tsa potlako ka go farologana go falolaa dintsho. O tladitse gape ka go re o itemogetse letlhoko la didirisiwa dingwe tsa badiri ba dithuso tsa potlako. O file sekai ka letsatsi la kotsi ya terena, gore didirisiwa dingwe jaaka tang le digarawe, di ne di tswa go adingwa mo motseng. Ka ene a sa tshabe metsi, gape a ruta batho go thuma, a re fa ba goroga kwa kotsi e neng e diragaletse teng, o ne a thusa ba bongaka le badiri ba bangwe go kgabaganya metsi go ya go thusa ba ba neng ba patisegetse mo tlhogong ya terena ka thuso ya potlako. Sergeant Mokganya a re ka nako e ba gorogileng ka yone, metsi a ne a santse a le mantsi thata go kgabaganyetsa kwa tlhogo ya terena e neng e wetse teng. A re ba ne ba rema ditlhatshana ka garawe go bula tsela e ba ba gobetseng ba neng ba fetisiwa ka yone go ya kwa koloing bya balwetse. Le fa go ntse jalo, a re go ne go se bonolo go ntsha badiri ba BR ba ba neng ba patisegetse mo tlhogong ya terena ka ntata ya ditshipi tse di thata tsa terena le seretse se se neng se ba tshwere. A re didirisiwa tse di maleba go ka sega ditshipi tse di thata tsa terena, di diegile go bonagala. Gape a re ba bongaka ba ne ba ketefalediwa tiro ke gore go tserwe sebaka go lekwa go segwa ditshipi Morago ga moo, a re ke fa go ntshiwa seretse se se neng se tshwere badiri gore ba kgone go tsholediwa ba isiwa kwa koloing ya balwetse. Fa a ntsha la gagwe, modiri yo mongwe wa sesole, Warrant Officer Moses Scotch, yo o nnang kwa Thebephatshwa, a re fa ba goroga kwa kotsing, ba fitlhetse bapalami mo teng ga terena, ba thibeletswe ke boidiidi jwa metsi fa terena e neng e wetse teng. Ka jalo, a re o ne a tshwanelwa ke go ya go emisa dikoloi mo tseleng ya A1, go adima megala e bapalami ba ka itshwarelelang ka yone ba kgabaganya metsi, go ya go palama dibese kwa tseleng, tse ba neng ba isiwa kwa sekoleng se sebotlana sa Pallaroad ka tsone. Go gorogeng ga bone kwa kotsing e, a re ba fitlhetse badiri bangwe ba Botswana Police Service le ba BR, mme moragonyana ga goroga ba Mahalapye District Hospital Emergency Medical Service le ba ditima molelo. A re ba ne ba ikaba ka ditiro, a tlhalosa gore fa ba bongaka ba ragogela go fa ba ba neng ba patisegetse mo tlhogong ya terena dithuso tsa potlako, bone ba ne ba thusana le ba sepodise go ntsha bapalami mo tereneng. Ba setimamolelo bone a re ba ne ba lwa le go sega ditshipi tsa terena go bula phatlha ya go ntsha ba ba neng ba patisegetse mo tlhogong ya terena. Ka go ne go sena ope yo o ba kaelang gore ba dire eng jang, kgotsa ba seka ba dira eng, Warrant Officer Scotch a re ba ne ba iipha botlhale jwa gore ba ka thusana jang go laola seemo gore ba falotse bapalami. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Masonya o kopa tshwaragano Kgosi ya Phase IV kwa Francistown, Kgosi Masego Masonya, o ikuetse mo banning go goga ka jokwe e le nngwe go baakanyetsa moletlo wa go ipelela letsatsi la ngwao kwa toropong eo. Kgosi Masonya o dirile boikuelo joo mo potsolotsong bosheng a tlhalosa fa letsatsi leo le tlaa ketekwa ka Motsheganong a le lesome le borobabongwe. O tlhalositse fa maikaelelo a letsatsi leo e le go rotloetsa ngwao mo matshelong a batho ba toropo le gone go e tsosolosa. “Go setse go lemosegile gore gangwe le gape mo ditoropong batho ba na le go itlhokomolosa ngwao mo matshelong a bone a tsatsi le letsatsi, mme ba sie le dilo tsa sesha,” a tlhalosa jalo. O tladitse ka go supa fa mokgwa wa go nna jalo o tshabelela segolo bogolo basha ka e le bone ba ba di gogang kwa pele mo tirisong ya tsa maranyane le tse dingwe tse di felelang di ba lebatsa ngwao. Ka jalo a tlhalosa fa ba bone go le maleba go kgetha letsatsi le ka lone ba tlaa tsenyang segakolodi mo Batswaneng mo toropong go ikgata motlhala go leba kwa morago golo ba go tswang. Kgosi Masonya o tsweletse a tlhalosa fa go le botlhokwa gore ngwao e tsosolosiwe ka jaana e le yone e nnileng le seabe se segolo mo go ageng sechaba sa lefatshe leno go fitlha gompieno. A re ngwao e thusitse thata go dira ditlhabololo tsa lefatshe mme ke gone ka moo go tshwanelang gore e tsosolosiwe go thusa lefatshe go gatela pele mo dikgannyeng tsa ditlhabololo. O bile a tlhalosa gape fa ngwao e thusa go aga setho se se eletsegang mo setshabeng. “Fa o bona lefatshe leno le tumile ka go nna le kagiso le thokgamo jaana, mme e bile seo se dira gore ditshaba di meletse lefatshe leno mathe ke ka fa go gatileng tsamaiso ya ngwao”a tlhagisa jalo a supa fa serodumo seo se sa tshwanelwa ke go latlhegela Batswana. Go sale foo kgosi o tlhalositse fa ka jaana mo toropong go le batho ba merafe e e farologaneng le ka dingwao tsa bone, tsholofelo ke gore ba tle ba nne le sebaka go tla go ithuta ka dingwao tse di farologaneng tse di fitlhelwang mo lefatsheng le mo toropong. A re botlhokwa go itse ka dingwao tse dingwe ka jaana se se ka tila dikgang tsa semorafe tse di ka feletsang di rotloetsa dintwa le dikgoberego mo matshelong a batho ka kakaretso. arts_culture_entertainment_and_media 0 Bana ba kgwale ba bitsana ka molodi Motlapele o ne a opile kgomo lenaka fa a tlhalosa fa bana ba kgwale ba bitsana ka molodi. Go nna sekao mo go seo ke mawelana, Mme Keimetswe Marutshe le Mme Lucky Gabankalafe ba Omaweneno mo kgaolong ya Kgalagadi borwa. Fa a tlhalosa mo potsolotsong bosheng, Mme Marutshe a re go nna mawelana ke mpho e bontsi bo sa kgonang go e akola mo botshelong. A re bone go tsweng bonyaneng jwa bone e ne e le batho ba rata go tshwaraganela sepe fela se ba se dirang, a re selo se se ne sa ba thusa thata ka ba ne ba kgona go tshwaraganela tiro mme se se e tlhofofatse, a re e re le ntswa a ne a tsena mo nyalong e e boitshepho mme wa molekane a tlhoka lesego leo. Mme Gabankalafe a re e rile go goleng ga bone a tlelwa ke lorato mo go tsa temo ya ditlhare fa mme Marutshe la gagwe e ne ya nna go nna molemi wa temo ya komelelo. A re ka go lemoga fa go kgaogana go se kake ga ba berekela ka ba ise ba go tlwaele, ba ne ba bona go le botoka gore ba tshwaraganye ditiro tsa bone mme ba di dire mmogo. A re ka bobedi ba ne ba simolola ditshingwana tsa temo ya ditlhare mo digotlong tsa bone. A re ba ne ba kopa dithuso mo pusong mme ba tsenelela ithutuntsho mo go tsa temo ya ditlhare ba e patagantse le ya masimo. Mme Marutshe a re ba ne ba tsenelela dithuto tsa bone mmogo mme ba thusana fela thata fa yo mongwe a tlhaelang teng ka se e le yone tsela ya go tswelela. A re ba ne ba simolola ka go ipatlela dithunya mo nafelong a a farologaneng tse dingwe ba di tlelwa ke bana mme ba ikopanya le ba lephata la temo ya ditlhare ba ba neng ba ba fa bogakolodi mme ba ba isa dithutong. A re ba ne ba ya go ikwadisa mo lenaneong la nyeletso lehuma, mme ya re morago ba bona dithuso di tshwana le ditanka, kago ya moriti, didirisiwa tsa temo le nosetso.Mme Marutshe a re ba ne ba itirela botsalano jo bo lolameng le balemisi le maphata ka go farologana ka ba lemogile fa tirisano mmogo e e lolame e le yone fela tsela ee isang kwa tshiamong. A re bone ke bana ba godisitsweng ke mosadi a le lorato e bile a na le botho mo bathong ka go farologana, ka jalo ba tsere se mo go ene. Mme Gabankalafe o ne a supa fa ba ne ba seke ba inaakanya fela le temo mme ba phutholola matsogo go leka fale le fale gore le bone ba tle ba kgone itshetsa. Are ka bone ba ne ba tlhoka lesego la go itewa seatla, ba ne ba itlama gore ba tlaa dira ka diatla go itshetsa le ba malwapa a bone. O ne a supa fa ba ne ba ithuta go dira mekgabisa ya dibaga le ya mo ntlong. O ne a supa fa mo go seno sebaka ba sa ikaega fela ka go tlhokomelwa ke bana mme le bone ba na le seabe se ba se ntshang mo malapeng a bone. Mme Gabankalafe a re o akgola puso ka e ne ya re mo letsatsing la go ipelela diteme dibopiwa tsa gagwe di ne tsa tsewa go ya go rekisiwa. Fa a ntsha la bofelo Mme Marutshe a re o rotloetsa mawelana go kopana ka e le motho a le mongwe mme ba lese go lwela go gaisana go na le go thusana. economy_business_and_finance 3 Go anapa mo dikotsing go ka koba bagwebi Ratoropo wa Jwaneng, Rre Tsietsi Oodira-Kwenje, o kgadile a sa kgwe mathe mokgwa wa gore batho ba itlhaganelele go anapa dithoto mo diterakeng tse di amegang mo dikotsing tsa tsela ya Trans Kalahari. O buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di tshwerwe kwa Sese le Jwaneng bosheng, tse maikaelelo a tsone e neng ele go tsibosa banni ba mafelo a a bapileng le tsela eo ka matshwenyego a. A re go tsaya dithoto mo dikoloing tse di mo kotsing ke molato o b aka o sekelang, mme mo godimo ga moo go ka nna le matshosetsi a go senya dipapadisanyo tse lefatshe la Botswana le nang natso le mafatshe a kgaolo ya SADC le a mangwe a a dirisang tsela eo. Rre Oodira-Kwenje are ere ka jaana itsholelo ya toropo ya Jwaneng e santse e ikaegile ka diteemane fela, ba bone go tshwanela gore ba dirise tsela eo go tlisa ditlhabololo mo kgaolong ya bone gammogo le go tswakanya itsholelo ya toropo. A re ere ka jaana diteemane ele ditswammung tse e tlaa reng kgabagare ebe di fedile, go tshwanetse ga nna le methale e mengwe e e ka tshetsang toropo morago ga go tswalwa ga moepo. A re mo bogompienong ba thulantse ditlhogo ele boeteledipele jwa toropo maikaelelo ele go tlhabolola maemelo a tsone diteraka tse di fetang ka tsela e gore go nne le fa bakgweetsi b aka ikhutsang teng pele ga ba tswelela le mosepele. A re madirelo a mofuta o ga ana go dira ditiro fela mme a tlaa boa a tsenyetsa dikgwebo tsa mo gae lemmenyana jaaka bakgweetsi ba diretaka tseo ba tlaa bo ba dirisa ditlamelo tsa bone. O boletse fa gape lefelo le le sa tswang go agiwa la itloso bodutu le ka nna le seabe se segolo mo go ngokeleng bajanala kwa toropong ya Jwaneng, mme sebe sa Phiri e ka nna fa jaanong banni ba Jwaneng le metse e e mabapi b aka itshenya seriri ka go anapa mo diretakeng. A re tshireletsego ya bagwebi le bajanala ba ba kgatlhegelang toropo ya Jwaneng e mo maruding a banni ba Jwaneng le metse e e mabapi jaaka Sese ka gore ke bone b aka akolang meamuso ya dikgwebo tseo go feta ba bangwe. Rre Oodira-Kwenje are jaaka boroko bo tlhaela kwa toropong ya Jwaneng, batho ba metse e mabapi ba tshwanetse ba ema ka dinao gore le bone ba obe letsogo ka go firisetsa batho matlo. A re mme lemme leo le ka tutuga fela fa b aka ikaga ba itsewe ka leina le serodumo se sentle. O ba kopile gape gore ba seka ba itshenyeletsa ka gore mo bogompienong kgaolo ya bone ke yone e tlhophilweng go tshegetsa lebelo le legolo la 1000km Desert Race, mme lefatshe ka bophara le ba tlhomile leitlho le le ntshotsho. A re gona le go senya ditshono tse di ntseng jaana, ba tshwanetse ba di dirisa go godisa itsholelo ya kgaolo ya bone le go tokafatsa matshelo kwa lwapeng. Erile a tswa la gagwe, mookamela mapodise a District 14 Senior Superintendent Reuben Mphoeng a tlhalosa fa go itseela dithoto tsa batho mo dikotsing ele molato fela o ba ka o sekelang kwa lekgotleng. A re ere ntswa bangwe ba supa gore mapodise le bone ban a le mokgwa wa go anapa dithoto tseo, seo ga se ba fe tetla ya gore le bone ba dire jalo. O ba kopile gore ba begele bagolwane ba sepodise ka dikgang tse di fatlhang tseo gore ditlhotlhomiso di dirwe mo mapodiseng ao. O tlhalositse fa gape go reka dithoto tse di bapetsweng ka mokgwa oo le gone ele molato mme botlhe ba ba fitlhelwang ka tsone le bone ba tlaa tseelwa dikgato. A re ba sepodise ba tlaa latedisa motlhala wa dithoto tseo go fitlhela kwa di feletseng teng. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Banana ba ithuta ditiro tsa diatla Mogokaganyi wa mokgatlho wa Motlaagana wa Banana, Mme Rebecca Motswetla a re maikaelelo a mokgatlho wa bone ke go ruta banana ditiro tsa diatla gore ba itlhamele mebereko. O boleletse BOPA jalo boshenng kwa Serowe, a re mokgatlho o, o tlhamilwe ka 2009 mme wa bulwa semmuso ka 2011. A re mokgatlho o, o ikemetse ka nosi, a supa fa ba ruta banana go roka le kapei ya borotho. Go duelwa P300 fa dithuto di tsaya dikgwedi tse thataro mme e re morago baithuti ba fiwe ditlankana. A re mokgatlho o na le baithaopi ba le bane ba ba rutang banana. Mme Motswetla a re ba ne ba itemogela gore banana ba le bantsi ga ba bereke, ke ka moo ba neng ba tlhama mokgatlho o, go fema gore banana ba seka ba inaakanya le ditiro tse di ka ba gogelang mo thaelong. A re ba setse ba alositse banana ba le masome matlhano mme bangwe ba bone ba a ipereka, fa bangwe ba thapilwe ke madirelo. Mme Motswetla a re ba tshela ka go kopa dithuso mo makalaneng a a ikemetseng le a puso, mme ba setse ba thusitswe ke meepo ya Orapa, Letlhakane le Damtshaa ka P166 000 go reka didirisiwa tsa kapei fa BotswanaPost Foundation ba thusitse ka koloi. A re mokgatlho o kokoanya madi ka go rekisa dilwana tse ba di dirang, mme madi a teng ke one a ba rekang tse di tlhokegang, le go duela ba ba ithaopileng le fa a sa lekana. A re ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya matlo a borutelo, mme ba kopile lephata la banana go ba okeletsa matlo a borutelo. Mme Motswetla a re kgwetlho e nngwe ke ya madi, a re banana bangwe ga ba duele, mme dituelo tsa bone ke tsone di thusang go tsamaisa mokgatlho, a lela gape le ka kemonokeng ya batsadi e e boutsana. economy_business_and_finance 3 Magodu a leruo a gaketse Mapodise a Letlhakane a tshwere borre ba le babedi ka molato wa go fitlhelwa ka nama ya dikgomo tse go belaelwang e le tsa bogodu. Superintendent Robert Mack o rurifaditse mo potsolotsong gore e rile Mopitlwe a le masome mabedi le bosupa ba amogela molaetsa wa gore go utlwala go thunya ga modumo o go belaesegang e le wa tlhobolo kwa merakeng e e gaufi le moepo wa diteemane wa Letlhakane. Rre Mack a re ofisi ya sepodisi ya Letlhakane e ne ya amogela molaetsa jaana morago ga gore barui ba Letlhakane ba lele ka bogodu jwa leruo jo bo kekelang mo merakeng ya bone. Supt Mack a re ba ne ba ragogela ntlheng ya meraka eo mme mo tseleng ba kopana le koloi e e neng ya ba belaetsa, selo se se neng sa gwetlha mapodise go e phuruphutsha mme ba fitlhela nama ya dikgomo tse pedi. O tlhalositse borre ba babedi ba ba neng ba tsamaya ka koloi eo ba ne ba palelwa ke go supa gore dikgomo tseo ke tsa bone. Rre Mack a tlhalositse fa ba ne ba kgona go ikopanya le mong wa dikgomo mme a rurifatsa fa e le tsa gagwe. Ramapodisi a re babelaelwa ba ne ba tshegediwa ke mapodisi mme ba gololwa morago ga go itshupa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata Mopitlwe a le masome mararo le bongwe. Supt Mack o boletse gape fa ba ne ba tshwara borre ba bararo mabapi le go bolawa ga poo ntlheng ya moepo wa Damtshaa. Rre Mack a re ba ne ba amogela dikgang tsa gore go bonwa matlalo a dikgomo mo sekgweng ntlheng ya Damtshaa mme ba tsamaela teng kwa ba fitlhetseng letlalo le tlhogo ya poo. O tlhalositse gore mapodise ba ne ba tshwara borre ba le bane mabapi le kgang eo. Rre Mack a re mapodise a tshwenngwa gape ke banni bangwe ba Letlhakane ba ba tsweletseng ka go titiela le go rekisa majalwa a a sa letlelelweng. O tlhalositse fa ba tshwere bomme ba le bane ba ba neng ba rekisa bojalwa jo bo tlwaelesegileng ka leina la ‘mokoko, a re bomme bao ba ne ba atlholwa madi mme go setse go duetse ba le babedi fela. Supt Mack o boletse fa go na le melao e e laolang thekiso ya majalwa mme batho bangwe ba tsweletse ka go e ikgatholosa, ka jalo ba tsweletse ka go tsenya matshelo a banwi mo diphatseng. O ne a tswelela a tlhalosa gore, “go na le batho ba ba rekisang majalwa ka dinako tse di sa letlelelweng, ba letsa diromamowa ka medumo e e kwa godimo ba sa rekegele baagisanyi ba bone ntswa ba itse fa se ba se dirang e le molato.” Supt Mack o ne a rotloetsa Batswana go ikgapha mo go nweng majalwa a a dirwang mo malwapeng e bile a se ka fa molaong le go tsenngwa metswako e sa laolesegeng ka gore a felela a ba bakela malwetse. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Temo thuo ke yone tsela ya itshetso Batswana ba kopilwe go tsena mo temo thuong ka mashetla ka ke yone tsela e ba ka itshetsang ka yone e bile gape e supa ngwao ya bone. Mo pulong ya ditshupo tsa temo thuo tsa kgaolo ya Mahalapye bosheng, Rre Elvidge Mhlauli o kgothaditse Batswana go supa ditswa temong tsa bone, segolo jang ka ba sa tswa go bona thobo e e nametsang monongwaga. A re kgomo le temo ke tsone botshelo jwa Motswana ka e le tsone di ba pepetleditseng go fitlha fa ba teng. Rre Mhlauli a re go a tshwenya gore Batswana ba bo ba ntse meriti e tsididi mabapi le kgang tsa temo gonne go ya ka tshekatsheko ya ba balemisi mo kgaolong ya Mahalapye, go supagetse fa balemi ba sa fete sekete. O tsweletse a tlhalosa gore puso e dira go tlala ka diatla go rotloetsa Batswana mo temo thuong, ke ka moo e ntshitseng mananeo a tshwana le a ISPAAD go go ba isa golo gongwe. O boletse gore go ya ka ba lephata la temo la kgaolo eo, bontsi jwa balemi ba lemile dijwalo tse di botshelo bokhutshwane jaaka magapu le ntshe, tse a bolelang fa ele tsa go jela mo ganong fela, selo se a reng se dira gore lefatshe leno le tswelele ka go reka dijo kwa mafatsheng a sele, jalo a ba kopa gore ba leme dijo tse di botshelo boleele. Fa a abela komiti ya ditshupo P20 000, Rre Mhlauli o boletse fa go aba e le motheo le molao wa setho, mme e bile a supa tebogo mo morafeng o mo godisitsweng. O ba solofeditse gape go aga lesaka la sennela ruri le le tla lopang P20 000. Go ya ka molemisi, Rre Kabo Bowe bontsi jwa disupiwa di ne di se mo maemong a a itumedisang gonne mabele mangwe a robilwe pele ga nako, mangwe a tsere lebaka a sa robiwe, ka jalo a kopa balemi go dira tiro ka fa tshwanelong. Rre Bowe le ene o rotloeditse Batswana go tsenelela ditshupo go kgona go amogana maele le ba bangwe gammogo le go ipapatsa. Fa a ntsha pego ya paakanyetso ya ditshupo, modulasetilo wa komiti, Rre Tsholofelo Nthaga o tlhalositse fa ditshupo di ne di tseneletswe ke banni ba metse e le masome mabedi le boraro ya kgaolo ya Mahalapye le Shoshong. Rre Nthaga o tlhalositse gore komiti e ne e tshwaraganya ka bonyennyane jo ba neng ba na le jone, ka jalo a kopa dithuso go tswa mo makalaneng a ikemetseng ka nosi go tsweledisa ditshupo tsa kgaolo ka e le go supa le go ipelela botshelo jwa Setswana. O boletse fa maikaelelo a bone mono ngwaga e le go aga ntlo lehalahala go e dirisa go direla komiti madi, go gokela lebala motlakase gammogo le go tsenya terata mo masakeng go na le go dirisa mapako a e reng ditshupo di fela bangwe ba a gopele. Mopalamente wa kgaolo, Rre Bernard Bolele o kopile gore komiti e boelele gape go tsweledisa go baakanyetsa ditshupo tsa ngwaga o o tlang, bogolo jang ka ba amane le Rre Mhlauli go ka ba thusa mme a lebogela dimpho tsa gagwe fela thata. society 9 Modulasetilo o gwetlha banana go tlhoafala Modulasetilo wa komiti ya ditshupo Rre Shane Kebadile o gwetlhile banana ba kgaolo ya Ghanzi le metse e e mabapi go dirisa ditshupo tsa kgaolo eo go itlhamela ditiro. O buile mafoko a ka Labotlhano mo moletlong wa pulo semmuso ya ditshupo tsa Ghanzi o o neng o tsenwe ke Tautona Mokgweetsi Masisi le matona mangwe a puso. Rre Kebadile a re go tlhabisa ditlhong gore e re bontsi jwa banana bo filwe mananeo ba bo ba palelwa ke go ntsha ditirelo. O supile gore gangwe le gape fa go na le ditiro mo motseng, go hirwa batho go tswa kwa mafelong a a kgakala ka jaana bone ba palelwa ke go ntsha ditirelo tsa seelo se se beilweng. A re go maleba gore ba ntshe ditirelo tsa boleng jo bo kwa godimo gore ba kgone go tokafatsa matshelo a bone. Modulasetilo a re ditshupo di godile fela thata ka jaana di setse di ngoka batho go tswa khutlong tse nne tsa lefatshe le bajanala tota. O akgoletse bo radipolase go bo ba godisitse badisa ba bone ka go ba fa leruo, mme a re se se molemo ke gore badisa bao le bone jaanong ba setse ba le mo seemong se se itumedisang ka ba isa diruiwa ditshupong. O akgoletse puso go bo e kgonne go ba thusa go ya Namibia kwa ba tswang go tsaya malebela ka fa ditshupo tsa maemo a ntlha di tsamaisiwang ka teng, mme a kopa puso go sekaseka le go tswa ka methale ya go tiisa balemi-barui ba banana moko. Morafe o ne wa nna le sebaka sa go bona mabelo a dintsa e le la ntlha mo ditsong gareng ga disupiwa tse dingwe. Maphata a puso le a a ikemetseng ka nosi le o ne a ne a bapatsa ditirelo tsa one. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Mmu wa masimo o tshwanetse go tlhatlhojwa - Autlwetse Mothusa tona wa tlhabololo temo-thuo le tlhomamiso dijo, e bile e le mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Kgotla Autlwetse o gakolotse balemi ba masimo a Palamaokue go tlhatlhoba mebu ya ditshimo tsa bone pele ga temo. Rre Autlwetse o buile jaana kwa phuthegong ya kgotla ya balemi- barui ba masimo a Palamaokue. “Fa letsema le boloditswe jaana go raya gore re ipaakanyetse go lema , mme ipaakanyo ya ntlha ke go tlhathoba mmu,” a supa. O tlhalositse fa mebu e sa tshwane, jalo go le botlhokwa gore molemi mongwe le mogwe a dire ditlhatlhobo tsa one, gore ba nne le tlhomamiso ya gore menontshane e ba e neelwang ke yone e e lebaneng mmu o o mo ditshimong tsa bone. “Gore mmu o nontshe sejalo, go batla o neelwe monontshane o e leng gore ga o yo mo go one,” a supa. Rre Autlwetse o tlhalositse fa ba Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) ba ithaopile go thusa Batswana ka go tlhatlhoba mmu wa ditshimo mahala, le fa puso go na le fa e thusang teng. “A e re pele ga re ka tsenya menontshane mo mmung, re lebelele gore a mme gone go a tlhokafala gore re dire jalo,” a supa Mothusa Tona o ne a gakolola balemi go sekaseka mananeo a ba a fiwang ke puso, pele ga ba a tsaya. A re gantsi batho ba a tsaya fela mme ba sena kgatlhego, jalo a supa fa go dira jalo e le tshenyo ya ditsompelo tsa puso. “A re tlhopheng mananeo a a gaufi le pelo tsa rona, e bile re na le bokgoni jwa one. A re tlhopheng a a re siamentseng, a re ka tsamayang nao, go na le go a buledisa,” a supa. O supile fa bangwe ba buledisa mananeo, ba phuaganya mo tseleng. A re go dira jalo ba a bo ba pitlagantse ba bangwe ba ba neng ba ka fiwa sebaka sa go a dirisa ka katlego. Rre Autlwetse o gakolotse balemi ba ba sa tlholeng ba kgona go lema, go adima ba bangwe masimo, bogolo jang masika. “Ke kopa gore le nne pelo tlhomogi mo go ba ba nang le kgatlhego ya go lema. Masimo a a tlhaela, mme go na le masimo a a nang le dingwaga tse dintsi a sa dirisitswe,” a supa. O supile fa dipalo tsa batho di oketsegile, a re seo se raya gore masimo a simolotse go tlhaela batho. Puso e dirisitse P564 million, mme go supa gore mo mafelong mangwe dipoelo ga di a nna tse di eletsegang, ka ntlha ya gore balemi bangwe ga ba a tsenya moko mo nameng. O kopile balemi ba kgaolo ya gagwe gore ba seka ba nna mo palong ya ba ba senyang madi a puso, a ba gakolola gore fa ba sena bokgoni jwa go lema, ba ka inaakanya le ditiro tse dingwe tse di tswang mo temong jaaka go photha le go sila. A re go utlwisa botlhoko gore lefatshe la Botswana a bo le santse le ikaegile mo go Afrika Borwa ka dijo, a supa fa nako e tsile ya gore Batswana ba tsee boikarabelo jwa go itirela dijo. Fa a bua ka tsa thuo, tona o supile fa Botswana a dirile ka natla go nyeletsa bolwetse jwa tlhako le molomo le fa bo bonetse bosheng kwa Nhabe. A re le fa go ntse jalo, ba tswenngwa ke bolwetse jwa mabele, mme a gakolola gore, ka bolwetse joo bo tla ka leswe la setho, go dirwe matlwana a boitiketso. “Dipalo tsa batho di oketsegile, jalo mafulo a dikgomo le one a fokotsegile. A re babalale kanamo e ka go dira matlo a boithomelo gore leswe le, le seka la amana le dikgomo,” a supa. Rre Autlwetse o supile gore puso e tsere tshwetso ya gore ga e sa tlhola e thusa ka mekento ya mahala dikgomo tsotlhe tse di sa tsenngwang manyena, e le mokgwa wa go rotloetsa barui go di tsenya manyena. Fa a leboga, Mokhanselara wa Swaneng, Rre Mpho Kooreme, o supile fa ditirelo tsa Ipelegeng di atolositswe, e bile di tsweletse kwa Masimo. E re ka banni ba koo ba ne ba ngongorega gore Ipelegeng ga e ise e thuse kwa go bone, o ne a kopa gore ba seka ba tlhobaela, a supa fa thulaganyo e le teng ya gore beke e e tlang, Ipelegeng a bo e simolotse mo masimong a bone. “Ipelegeng e tlaa tsaya dikgwdi tse tharo kwano, mme e bile ga re kganele ba masimo a a mabapi go tsenelela, fa e le gore kwano le palo potlana,” a supa. O ne a ba gakolola gore ditiro tse di dirwang mo Ipelegeng, e nne ditiro tse di ka solegelang botlhe molemo. ENDS economy_business_and_finance 3 Thekiso ya mo mekgwatheng e tshetsa bangwe Go rekisa mo mekgwatheng go tlhamela Batswana bangwe ditiro le go tokafatsa matshelo a bone. Fela jaaka mo mafelong a mangwe, kwa Tsabong barekisi ba mo mekgwatheng ba fitlhelwa fa pele ga dikolo, sepatela, mabenkele le fa maemelong a di palamo. Go rekisa mo mekgwatheng go thusa bangwe go dira lemmenyana le ka lone ba ka tshidisang malwapa a bone. Mo potsolosong le barekisi bao bosheng, go senogile fa ba simolotse tiro eo ka gore ba ne ba na le dikgwetlho tsa botshelo tsa letlhoko la ditiro, mme ba tswa ka moono wa go rekisa mo mekgwatheng. Ba supile fa ba kgonne go dira letseno le ka lone ba kgonneng go tlhokomela ba malwapa a bone le gone go ipolokela madi a dipoelo tse ba di bonang morago ga thekiso. Barekisi bao, ba bontsi jwa bone eleng banana, ba re nako tse dingwe fa motho a nna fela a sa dire sepe, o kgona go raelesega go dira dilo tse di duleng mo tseleng jaaka tsa borukutlhi. Ba boletse fa bangwe ba bone ba tswa kgakala ba ntse ba rekisa, mme mo nakong ya gompieno bagwebi ba setse ba le bantsi fa go tshwantshanngwa le ngwaga wa 2011 le 2012. Gape ba supile fa ka nako eo dikonteraka di ne di le dintsi, ka jalo ba ne ba dira dipoelo tse di nametsang. Ba supile gape fa seemo sa bosa se kgona go ba kgoreletsa go tsweledisa kgwebo ya bone, ka ba rekisetsa mo metlaaganeng e e seng ya sennela ruri. Ba re dingwe tsa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone ke batho bangwe ba ba kgonang go kolota ba bo ba sa duele ka nako, mme ba supa fa se, se ba busetsa kwa morago ka ba felela ba palelwa ke go ya go reka dilwana tse ba ditlhokang mo dikgwebong tsa bone. Fela jaaka dikgwebo tse dingwe, barekisi ba mo mekgwatheng ba re nako tse dingwe theko e kgona go nna kwa tlase fa nako tse dingwe e le kwa godimo, ba supa fa mogwebi a tshwanetse go nna pelotelele mo kgwebong ya gagwe gore kwa bofelong a kgone go bona dipoelo tse di nametsang. Rre Tshepo Ketlogetse wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano, a re o simolotse go nna morekisi ka 2012, morago ga go fetsa mophato wa botlhano. A re dithoto tse a di rekisang di akaretsa ditlhako, marokgwe, dikepese le tse dingwe. Rre Ketlogetse a re o na le lebaka le leleele a ntse a dira kgwebo e, e bile o itse go oka bareki le go ba fa thuso, le go ba itumedisa. O ne a tlatsa ka go gakolola banana ba bangwe go ema ka dinao go inaakanya le mananeo a puso a a ka ba kgontshang go fitlhelela ditoro tsa bone. O supile fa bopelotelele le lorato mo kgwebong go busetsa kwa bofelong. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ba re ngwaga o monamagadi Fa basha ba lepa seemo sa bosa le dipaka ka tiriso ya maranyane, mabutswapele bone ba lepa ka ditsatlholego ba bo ba ka bolela gore ngwaga ono dipaka di tlaa tla di ntse ka tsela e e ntseng jang. Ba re ditsatlholego di akaretsa dinaledi, ngwedi, letsatsi le ditlhare gareng ga tse dingwe di tlhalosa dipaka tsa ngwaga ka botlalo. Rre Legapu Modise,yo o dingwaga tse 81 kwa Sefhare, o ne a bua mo potsolotsong gore ka gotwe tsholofelo ga e tlhabise ditlhong, o santse a na le tsholofelo e ntsi thata gore go tlaa dika go jewa go bo go latlhwa. Rre Modise a re o na le tumelo ya gore le ntswa pula e tsile morago ga nako, fela e santse e tlaa na mo go kgotsofatsang gore go lengwe. A re fa leru le le bidiwang matlakadibe le tswa kwa borwa ja lefatshe leno le bo le nesa pula ka sefako go ya kwa bokone jwa lefatshe, e le yone pula ya ntlha mo ngwageng, seo ke sesupo sa ngwaga wa kgora. A bolela gore mme e tlaa re leru leo le sena go wela kwa bokone le bo le boa gape le ya borwa mme jaanong le nesa pula ya medupe, ka jalo a re ka mono ngwaga pula e simolotse ka sefako go tswa kwa borwa o santse a solofetse go le gontsi. Rre Modise a re selo se segolo e le go rapela le go obamela meila gore seemo se seka sa fetoga. Rre Modise a re fa go setse go simolotswe temo, go na le ditlhare tse di sa tshwanelang go rengwa jaaka tsa mokgalo, mosetlha le mogonono ka go dumelwa gore fa di rengwa lefatshe le a setlhafala. A re dicheru le tsone ga di a tshwanela go thulwa paka ya thobo e ise e wele ka bagologolo ba dumela gore go di thula go bitsa letsatsi le legolo. Mme Ogolotse Mokatane, yo o dingwaga tse 78, a re le ene o na le tsholofelo ya gore go tlaa dika go jewa mpa mpolae. Mme Mokatane o ne a supa gore ngwaga ono ditlhare di akaretsa motlopi, motetane le morobe di ungwile thata mme a re seo se supa thobo e e nametsang. ENDS economy_business_and_finance 3 Nyeletso lehuma e tlhoka kelelelo Makhanselara a Kweneng a tlhalositse fa go le botlhokwa gore lenaneo la nyeletso lehuma le nne le balebeledi ba ba tlaa tlhomamisang gore le tsamaisiwa sentle. Ba akgetse jaana morago ga molaetsa o o neng o rolwa ke modulasetilo wa khansele, Rre Motlhophi Leo bosheng mo phuthegong ya bone. E rile a tsibogela mafoko a modulsetilo, Rre Kebawetse Kabelo wa Mahetlwe o ne a dumela fa lenaneo le tlhoka balebeledi gore ba bone gore a batho ba tshwara dilo tse ba di abetsweng sentle. O ne a fa sekai ka go re banana ba ba abetsweng madi a lenaneo le ga ba a dirise sentle, ba reka didirisiwa tse ba di tlhokang go simolola dikgwebo mme madi a a salang ba a dirise dilo tse di duleng mo tseleng. O tlhalosa fa kwa kgaolwaneng ya gagwe go nna go na le kgang ya gore dipodi di sule mme ba di rekisitse kana ba di jele, a bua gore fa go na le ba ba ka nnang ba tlhotlhomisa go bona gore batho ba dirisa lenaneo ka fa go tshwanetseng ka teng, go ka ba thusa go tokafatsa maduo a lenaneo le. O gateletse gore madi a nna fela a tswa mme dipalo tsa batlhoki ga di fokotsege, mme fa go ka nna le ba ba thusang batlhoki go dirisa lenaneo sentle dipalo di ka fokotsega. Fa a ntsha la gagwe, mokhanselara wa Mankgwenyane, Rre Masiele Letlhogile o ne a tlhalosa fa ba sale ba solofeditswe motho go tla go ba thusa mo go tsa nyeletso lehuma ka gone go twe bodiredi bo a tlhaela mme nako kgolo ke eno. O tlhalosa fa ba ba lemang merogo ba setse ka disaile fela go se na merogo ka metsi e le bothata mo Molepolole. Rre Letlhogile o ne a bua fa madi a ba a abetsweng go simolola dikgwebo tsa merogo a dule mme ba sa a dirise ka go se na metsi. O ne a kopa gore ba metsi ba kgothadiwe gore dikgwebo di tle di tswelele. Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Pule Masego o tlhalosa fa kgaolo ya Kweneng e na le mananeo a nyeletso lehuma a le masome a supa le borataro mme go le bonya gore batlhoki ba thusiwe ka nako. O tlhalosa fa a nna a etela diofisi tsa lenaneo le, mme a fitlhela batho ba le mo moleng. O ne a tswelela ka go re batho ba ba thusiwang mo lenaneong le ga twe ke ba ba mo lehumeng la nta ya tlhogo, mme bone ba o fitlhela ba se na kgatlhego ka ba sa tlhokomele tse ba di abetsweng. A re o bona go le botoka gore go abelwe batho ba ba ka kgonang go tlhokomela e bile ba na le kgatlhego mo lenaneong. O ne a akgola ba ba lemang mabele le dinawa, a tlhalosa fa bana kwa dikoleng ba tlaa bona dijo gape le bone balemi ba tlaa ithusa go tsholetsa matshelo a bone ba bo ba rotloetsa ba ba boitseme go lema. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Tikologo e e phepa e ka hema borukutlhi Molaodi wa kgaolo ya Borwa Botlhaba, Rre Ian Tema, o kgothaditse Batswana go nna mo tikologong e e phepa ka dinako tsotlhe. Rre Tema o buile se, fa a ne a bula letsatsi la go ipelela tikologo e e phepa kwa motseng wa Otse mo bekeng e e fetileng. Rre Tema o kgothaditse Batswana gore ba se phepafatse fela ka nako ya phepafatso tikologo, mme ba netefatse gore ka dinako tsotlhe motse o nna phepa, ba kgaole ditlhare tse di tlhokang go kgaolwa gore dirukutlhi di seka tsa iphitlha mo go tsone Modulasetilo wa khansele eo, Rre Joseph Sorinyana, o ne a tlhalosa gore letsatsi le, le diretswe go kgothatsa le go rotloetsa batho gore ba tlhokomele tikologo le go leboga batho mo maitekong a bone mo letsholong la ipapatso ya go tlhokomela tikologo. Mogolwane wa kompone ya Cleaning Wizard, Rre Odirile Monare, o kopile Batswana go farologanya matlakala, ka go na le a a borai, jaaka a kwa dikokelong, a a tlhokang go tshubiwa. Rre Monare a re matlakala fa a nna lebaka le leleele a sa latlhiwe, a ka oka dintsi le mafele tse di bakang malwetse. Molalediwa wa tlotla e bile e le ene sebui sa tlotla, Rre Seabelo Tlhaselo, o boletse fa kgaolo ya borwa botlhaba e itsege ka go dira bontle mo phepafatsong tikologo, go tloga ka ngwaga wa 2004. Rre Tlhaselo o boletse fa motse wa Tlokweng o ne wa tsaya maemo a bobedi mo dikgaisanong tse di neng di tshwerwe kwa kgaolong ya Kgatleng ngwaga e e fetileng. O boletse fa go sa tlhokomeleng tikologo, go ka baka gore puso e dirise madimadi go alafa malwetse a a bakwang ke tikologo e e leswe. O kopile Batswana go fokotsa kana go busetsa matlakala mo tirisong, gore lehuti la matlakala le se ka la tlala ka bonako. Bokhutlo environment 5 Puso e neela Barolong tshimo Puso e tsere tshwetso ya go neela Barolong tshimo ya Morule e e kwa Ramatlabama. Rre Galeitsiwe Ramokapane, yo e leng mogolwane wa dijwalo kwa lephateng la temo-thuo, o buile se fa a ne a rolela morafe mafoko a mo phuthegong ya kgotla kwa Good Hope bosheng. Rre Ramokapane o kaile fa puso e na le dingwaga e ntse e dirisa tshimo eo. A re e ntse e dirisediwa tsa temo, ka jalo e tlaa bo e le selo se sentle go tsweledisa fa ba simolotseng teng. O gakolotse fa go le botlhokwa gore tshimo eo e dirisiwe go godisa itsholelo ya Borolong, ka jalo a ba kopa gore ba e dirise mo go tsa temo-thuo gore ba kgone le gone go thusa puso go jesa Batswana. Rre Ramokapane o gakolotse gape gore banni ba ka batla bagwebi ba ba ka nnang le keletso ya go e dirisa mme ba kgone le gone go dira ditiro. A re puso e eletsa go bona kgaolo e e tumile ka serodumo sa temo jaaka e ne e itsege bogologolo. Motshwarelela kgosi ya Barolong, Kgosi Botiki Motshegare, o ne a lebogela puso go bo e bone go tshwanela gore e ba busetse tshimo eo. O ne a supa fa ba setse ba na le dikakanyo tsa go bona gore tshimo eo e ka thusa Barolong jang. O kaile fa le ene a eletsa fa bagwebi ba ka tla go thusa go dirisa tshimo eo. Ka jalo o ne a tshepisa puso fa ba tlaa dirisa tshimo eo, le go dira ka bojotlhe gore e tsise ditlhabololo le go tlhama mebereko mo motseng. Kgosi Motshegare o ne a solofeditsa puso gape gore ba tlaa tswelela ba dirisanya le bodiredi jwa puso gore le bone ba ba thuse ka megoplo go bona gore tshimo eo e tswelela e nna mo tirisong. economy_business_and_finance 3 Inaakanyeng le mananeo - Salakae Mopalamente wa Ghanzi Bokone, Rre Noah Salakae, o rotloeditse baagi ba kgaolo ya gagwe go inaakanya le mananeo a puso e a beileng pele go inamola lehuma. Rre Salakae o rotloeditse baagi bosheng jaaka a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Ghanzi. Mo leetong la gagwe la diphuthego tsa kgotla o ne a lebogela baagi go bo ba nnile le tshepo mo go ene mme ba mo isa Palamenteng. E rile fa a lekodisa baagi ba Ghanzi ka tse di builweng kwa Palamenteng, a nankola tse di tshwanang le go tlhoka lefatshe, tsamaiso ya Palamente le botlhoki kana lehuma le le sa nsteng le apere Batswana segolo bogolo mo dikgaolong di tshwana le ya Ghanzi. Ke ka moo a neng a ba rotloetsa thata go inaakanya le mananeo a leng teng go inamola mo lehumeng. Salakae o ne a gakolola baagi ba Ghanzi bokone gore mananeo ga se a amanang le thuo ya kgomo fela; jaaka go lebega bontsi bo itshetse mo mananeong a thuo ya kgomo. A re go na le mananeo a leng teng a batho ba ka itekang mo go one mme ba atlega sentle ba kgona go itshetsa. Salakae a re bodiphatsa jwa go tsaa lenanaeo le o sa le kgoneng ke gore pheletsong le tla pala mme o sale o itshophere fela. Mopalamenete Salakae o ne gape a ama kgang ya thuto, a supa matshwenyego a gagwe ka seemo se se tsweletseng ka go wela tlase ga maduo mo kgaolong ya Ghanzi ka bophara.O ne a rotloetsa batsadi go tsaa seabe mo thutong ya bana ba bone, a re ba tsee boikarabelo mme ba lese go baa sengwe le sengwe mo barutabaneng. E rile ba mo kgwa dikgaba, bangwe ba baagi ba supa fa ba eletsa go ka agelwa sekolo sa sekontari se se botlana mo toropong ya Ghanzi. Mongwe wa baagi Rre Thabiso Kebadile o ne a kopa gore e re ka lenaneo la ditlhabololo la bolesome (NDP 10) le atolositswe ka ngwaga, ba ne ba ka itumella go neelwa nngwe ya tse di neng di saletse kwa morago jaaka lebala la metshameko kgotsa go agiwa ga tsela ya Charleshill-Ncojane. Mme o ne a gatella thata kopo ya sekolo se sebotlana sa sekontari mo toropong ya Ghanzi. Fa a tsibogela kopo ya bone, Rre Salakae o ne a re ntswa lenaneo la ditlhabolo la bolesome le atolositswe, bone ele Mapalamente ba gakolotswe go lebella tse eleng letlhoko le legolo thata mo dikgaolong tsa bone gore di tle di sekasekwe. Mme, fa a akgela ka kgang ya tsela ya Charleshill-Ncojane o ne a re ga gona sepe se sentsi se se ka buiwang ka jaana e santse ele kgang e eleng ko go ba molao morago ga madiadia a ne a e aparela ka 2012 fa e tshwanetswe go simollwa. Mo ntlheng ya sekolo se se botlana sa sekontari mo toropong ya Ghanzi, Rre Salakae o ne a tlhalosetsa baagi gore sekolo seo ga seo mo lenaneong la ditlhabololo la bolesome, mme ka jalo a re gongwe bodiredi bo ka lebella ntlha ya gore se ka akaretdiwa mo lenaneong la ditlhabololo la bolesome le bongwe (NDP 11) le le tlang. society 9 Kablay o tlhalosa molao wa matimela Mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng Botlhaba, Rre Liakat Kablay a re matimela a tla simolola go bewa sebaka sa kgwedi tse tharo go tswa mo go tse di tlwaelesegileng tse thataro. Rre Kablay o boletse se mo phuthegong e a neng a e tshwaretse kwa motseng wa Monwane ka Mosupologo, Seetebogigo a tlhola malatsi a le lesome le borataro gore fa matimela a feta sebaka sa kgwedi tse tharo a tla rekisiwa. O boletse fa phetogo e, e tla morago ga gore ba lephata la temo thuo ba lemoge fa ba dirisa madi a mantsi go duela metsi, dijo tsa matimela gammogo le modisa. Mopalamente o boletse gape gore barui ba tlogela masimo a bone go ya magaeng le ditoropo mme se se baka gore leruo la bone le tlaletlale le motse jalo le senye mo masimong. O tsweletse ka gore lephata la temo thuo le abetswe madi a go reka diterekere tse di tla lemelang balemi. Mo go tse dingwe, molemisi wa kgaolo, Mme Sekgabo David o boletse fa ditshupo tsa monongwaga tsa Letlhakeng di tla nna kgwedi eno e tlhola malatsi ale masome mabedi le borobabobedi. O itsisitse banni ba Monwane gore go gorogile motshine o tlhaolang dinawa tse di nang le tshupa le leswe mme o kwa Pandamatenga le Gaborone West. Mme David o tlhalositse fa marketing board e reka dinawa tsa tlhwatlhwa e e kwa godimo ka P700 fa tsa e e kwa tlase ele P490. Monni wa Monwane, Rre Diphera Tlolane o ikuetse mo go mopalamente gore dipeo le manyoro a a neelwang balemi di tsisiwe mo kgaolong ya bone nako e sa le teng gore ba leme go santse go nale nako. BOKHUTLO society 9 Mokgatlho o thusa bomme E rile go lemogeng fa bomme bangwe kwa Machaneng ba lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la ditsompelo ka nako ya fa ba imile le ka nako ya botsetse, bodiredi jwa kokelwana ya Machaneng bo tshwaragane le banni bangwe ba motse, ba simolodisa mokgatlho o o tlaa tswang bomme bao thuso. Modulasetilo wa mokgatlho oo Mme Hildah Kavurase-Sedio, o tlhalositse mo potsolotsong gore mokgatlho wa bone o simolotse kgwedi ya Mopitlo e rogwa monongwaga. A supa fa mokgatlho wa bone mo nakong eno o na le bomme ba le lesome le bobedi le borre ba le babedi. Mme Kavurase-Sedio a re mowa wa kutlwelobotlhoko ke one o ba gwetlhileng go simolodisa mokgatlho o, o ba o biditseng ba re Machaneng Support Group. O boletse gore bodiredi jwa kokelwana bo tshwentswe ke dipalo tse di tsweletseng ka go oketsega tsa bomme ba ba imang mme ba sena tse di tlhokegang jaaka diaparo le dikobo tsa bana, melora gareng ga tse dingwe. A re seemo se go ne ga lemotshega fa gantsi se bakwa ke gore mme o a bo a sa bereke mme fa godimo ga moo, rre yo o mo imisitseng a bo a mo phuaganya. Go diragatsa toro e ya bone, Mme Kavurase-Sedio a re ba tsweletse ka go kokoanya madi ka ditsela tsotlhe tse ba ka di kgonang jaaka go koleka, go kopa dithuso mo morafeng le go rekisa borotho le supu fa pele ga kokelwana. A tswelela ka gore ntle le dithuso tsa diaparo le melora, ba tla a bo ba thusa bomme bao gape ka dikgakololo le go ba sidila maikutlo. Mme Kavurase-Sedio a re ga ba eletse go bona mme yo o imileng a kgoberegile maikutlo ka seemo seo se ka ama botsogo jwa gagwe ga mmogo le jwa losea. O supile fa mo nakong eno ba ise ba kopane le makgwere ape a a ka ba kgoreletsang go tswelela pele. A re keletso ke go bona mokgatlho o tsweletse pele e bile le dipalo tsa bomme ba ba kopanang le seemo se se bakileng gore ba simolodise mokgatlho di fokotsegile. Mme Kavurase-Sedio a re go lwantsha koketsego ya seemo se, ba dirile dithulaganyo tsa gore ba nne ba a fa bomme dithuto tse di tseneletseng ka dikgang tsa boimana le pelegi, go katologanya tsholo le tiriso ya tsa boiphemelo mo boimaneng. A re o dumela gore dithuto tse ba di fang bomme di tlaa thusa gore ba ba sa kgoneng ba seka ba nna ba boelela go ima kgapetsakgapetsa. O rotloeditse banni ba Machaneng go ema mokgatlho wa bone nokeng. health 6 Komiti ga e dire sentle Mothusa modulasitilo wa komoti ya Men Sector kwa Boteti, Superintendent Michael Maphephu, a re komiti ya bone ga e dire sentle. Superintendent Maphephu a re dikgwetlho tse di ba lebanyeng ke tsa maloko a badirelapuso gammogo le morafe ba ba seng tlhaga mo komiting le tlhaelo ya didirisiwa jaaka madi le dikoloi. Superintendent Maphephu a re kgaolo ya Boteti e bophara ka metse e le lesome le borobabongwe e ba tshwanetse go e thusa. A re metse e mengwe ke e e kgakala le ditlamelo e batho ba yone bontsi ba tlhaelang kitso ,mme ka letlhoko la dipalamo ga a kgone go ba isetsa mananeo a ba a akantseng. Rre Maphephu a re matshwenyego a mangwe a ba nang le one, ke gore bontsi jwa maloko a bone a badirelapuso ke ba maemo a a kwa tlase ka jalo go nna thata gore ba gololwe fa komiti e ba tlhoka. A re gape kgaolo ya Boteti e na le meepo selo se se dirang gore go nne le borre ba le bantsi, a tlhalosa gore ba ne ba eleditse go bereka ba le seopo sengwe le ba meepo ka maswabi seo ga se kgonagale ka gore ba ba fa nako e khutshwane fa ba batla go bua le bone. Superintendent Maphephu a re le fa ba na le dikgwetlha mananeo otlhe a ba a dirileng a ne a atlegile ba dira jalo ba tshwaragane le morulaganyi wa merero ya HIV/AIDS wa Boteti. E rile a ba lekodisa ka maikaelelo a loeto lwa bone, moithaopi wa Peace Corp kwa ofising ya Men Sector go tswa kwa Gaborone, Mme Hannah Marqusee a re ba tsile go utlwa matshwenyego le dikgwetlho tsa komiti ya Men Sector. Mme Marqusse a re ba batla go itse mathata a morafe wa kgaolo ya Boteti, le gore komiti e ka thusiwa jang gore ba dire dilo botoka. Go buisana le komiti go tsaya megopolo le maikaeleo a bone a go isa molaetsa kwa setshabeng, gammogo le dikatlego tsa komiti ya Men Sector. Mme Marqusse a re ofisi kgolo e akantse gore bodulasetilo ja komiti ya Men Sector bo seka jwa fapaanelwa ke maphata jaaka go ntse go dirwa mme bone fela mo lephateng la Pereko le Selegae. Morulaganyi wa merero ya HIV/AIDS, Rre Ketlaleka Monyadiwa a re ba itemogetse gore kgaolo ya Boteti e na le dipalo tse di ko godimo tsa borre ba ba berekang mo meepong ba ba nang le madi. Rre Monyadiwa a re se se dira gore go nne le tiriso ya bojalwa e e kwa godimo, batho ba ba gwebang ka mmele, a tlhalosa gore gape go na le bomme ba ba tsenang mo kgaolong e ka dipalo tse di kwa godimo fa kgwedi e fedile. A re itsholelo e ya madi ya borre e dira gore ba tseye taolo mo go bomme se se bake dilo di le dintsi jaaka boimana jwa bana ba dingwaga tse di ko tlase, tsietso mo malwapeng. Mokwaledi wa ofisi ya mopalamente wa Boteti Botlhaba Rre Golebilwemang Golebilwemang a re dipalamo ke tsone di ka kgontshang komiti gore e goroge gongwe le gongwe ko ba batlang go isa ditirelo teng. Rre Golebilwemang a re ofisi kgolo e ka thusa kgaolo ka koloi, a re komiti e tshwanetse ya ba romelela lenaneo la bone la ngwaga. BOKHUTLO health 6 Go tlhoka bonno go kgoreletsa thuto Mokhanselara wa Letlhakane Borwa a re go tlhoka bonno ga batho bangwe mo Letlhakane segolo bogolo ba letso la Sesarwa go kgoreletsa thuto ya bana ka ba nna mo mafelong a a tlwaelesegileng ka go bidiwa a bo maipaafela. Rre Molwalefe a re seemo se, se dira gore ba nne ba sa wela dibete, ba tshogile gore ba ka nna ba fudusiwa nako nngwe le nngwe ka jalo bana ba bone ba tshabelelwe ke go sa tsene sekolo sentle le gone go tswelela ba sa bone maduo a kgotsofatsang. Mokhanselara Molwalefe o buile jalo ka Matlhatso, Sedimonthole a tlhola gasupa mo Letlhakane jaaka ba kompone ya Barloworld Equipment go tswa Orapa ba ne ba abela bana ba le 143 diaparo, mme ba thusiwe ka ditlamelo tsa botshelo ke ba Khansele. A re gore bana ba sireletsege le gone gore ba kgone go tsena sekolo sentle, ba tlhoka bonno jo bo sireletsegileng le tlhokomelo ya batsadi. O supile fa bontsi jwa bana ba ba neng ba abelwa dimpho ke ba Barloworld Equipment ba nna mo mafelong a bo maipaafela a Phase 1 le Phase 2 fa bangwe ba bone ba tswa mo kgotlaneng ya Metsiaela. O supile fa selo se se dirileng gore batsadi ba bana ba ba tlhoke bonno e le go bo ba tsere nako e ntsi ya botshelo jwa bone ba nna kwa merakeng ba bereka e le badisa, mme a gatelela botlhokwa jwa gore ba nne mo mafelong a a nang le ditlamelo jaaka, Letlhakane, gore bana ba bone ba kgone go ithuta sentle. A re le fa puso e rotloetsa gore ba ikatumetse mo mafelong a nang le ditlamelo jaana, sebe sa phiri ke gore ga bana bonno, mme ba felela ba ikabetse lefatshe. Rre Molwalefe a re go nna mo lefelong le ba sa le abelwang go dira gore ba nne ba fuduga kgapetsakgapetsa mme se se kgoreletse thuto ya bana ka bangwe ba bone ba felela ba tlogetse sekolo gotlhelele. Le fa go ntse jalo, Rre Molwalefe o lebogile ba Barloworld Equipment go menagane, ka mpho eo ba e abetseng bana bao, a supa fa diaparo tseo di tla ba thusa fela thata. Mookamedi wa ofisi ya Barloworld Equipment kwa Orapa, Rre Georgio Motsoela, o gakolotse bana ba ba neng ba abelwa dimpho go dirisa nako ya bone sentle le go itse fa thuto e le botlhokwa mo go ba baakanyetseng isago. O ne a ba gakolola gape go ela tlhoko dikgwetlho dingwe tse di ka dirang gore maiteko a bone a go anywa thuto a fetoge lefela. Rre Motsoela a re go tshwenya thata go bona bana ba dikolo ba basetsana, go balelwa le bone ba dikole tse dipotlana tota, ba tseelwa nako ya go ithuta ke boimana, selo se se dirang gore ba rwale boikarabelo jwa go nna batsadi ka bonana le gone go nna mo kotsing ya go ka tsenwa ke malwetse a tlhakanelo dikobo ka go farologana. O supile gape gore tiriso ya ditagi le bojalwa le tsone di kgoreletsa bana go ithuta. Rre Motsoela a re bangwe ba bana ga ba tsene dikolo sentle ka go kgokgontshiwa, ba dirisiwa ditiro tse di ba fetileng le gone go tlhoka tlhokomelo le kgakololo e e tseneletseng go tswa mo batsading. O gakolotse baithuti ba ba kgokgontshang ba bangwe go emisa mokgwa oo wa go kgerisa ba bangwe le go ba amoga ditsa bone; ka go ka dira gore ba seka ba ithuta sentle le gone go tshaba sekolo. Kgosi Ewetsemang Rethatoleng, a re lehuma kana go nna le bao ba ba kobodikhutshwane ke kgwetlho e tlhokang go tshwaraganelwa. Kgosi Rethatoleng a re se se dirilweng ke ba Barloworld ke go baakanyetsa bana bokamoso ka ba tla kgothala go ithuta ka tlhwaafalo. A re o leboga go bona dikompone le Batswana ka bongwe ka bongwe ba tswelela ba thusa puso, ka go supa fa le bone ba eletsa go bona matshelo a batho ba ba tlhokileng lesego a fetoga. Mogolwane wa ofisi ya boipelego, Rre Keedigetse Mhapha, a re lephata la boipelego le itebagantse le go tokafatsa matshelo a batho. Rre Mhapha a re mafelo a Phase 1, Phase 2 le Metsiaela mo Letlhakane a na le letlhoko le le kwa godimo go akarediwa le jone bonno tota. O boletse fa madi a ntshiwang ke puso go rekela bana ba ba tlamelwang ke Khansele diaparo a sa lekana le gone go rekela batsadi ba bone dijo, ka jalo ba Barloworld Equipment ba dirile go tlala ka diatla go ntsha mpho e e kalo. BOKHUTLO education 4 Ditiro tsa Ipelegeng di tsweletse Modulasetilo wa khansele ya borwa Rre Leach Tlhomelang a re, khansele ya gagwe e nale ditiro di le 470 tsa Ipelegeng. Fa a bua mo phuthegong e e tsweletseng ya khansele kwa Kanye, Rre Tlhomelang a re, ditiro di le 391 ke tse di neng di akanyeditswe, fa tse di 54 di le ka fa tlase ga tsamaiso ya morafe , mme tse 25 e le tse di neng di saletse kwa morago. A re, ditiro di le 435 di setse di simolotswe fa tse di 127 di feditswe. A re, go tshwanetse ga simololwa tse 35. O tsweletse a re, lenaneo la Ipelegeng le filwe karolo e kgolwane mo paakanyong ya sekole se se botlana sa Mmathethe. Rre Tlhomelang a re, matlo a borutelo a dikole tsa Sese le Tankane a setse fela ka go rulelwa fa a Leporung a tsweletse ka go agiwa mme otlhe a agiwa ka lenaneo la Ipelegeng. A re, P8 million o dirisiwa go baakanya dikole tse dingwe di ferabobedi ka fa tlase ga lenaneo la Ipelegeng . O tsweletse a re, mme tiro e saletse kwa morago ka gonne di dirisiwa di tsile morago. A re, mo ngwageng ono wa madi, khansele e ikaelela go ala bontsi jwa ditsela mo kgaolong. A re, go ala dimmithara di le 500 tsa tsela e e yang kwa matlong a badiri a Kgakgwe ka lenaneo la Ipelegeng go setse go le fagare ga go fela, a tlatsa ka gore dikhilomithara tse 1.5 tsa go ala tsela go ya kwa kgotleng ya Molapowabojang go tsweletse. A re khansele e tsile go tswelela ka go dirisa lenaneo la Ipelegeng go aga matlo a boroko a barutabana go fokotsa letlhoko la one. BOKHUTLO society 9 Morafe o kopilwe go bopagana Batho ba kgotla ya Thabeng ba kopilwe go tshwaragana le kgosana ya bone gore dilo di tle di tsamaye ka thelelo mo kgotleng eo. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla ya go itlhophela kgosana kwa Omaweneno bosheng, Rre Piet Villander a re ditlhopho di tshwanetse go bopaganya batho go na le go ba kgaoganya ka ele tshimologo ya tirisano mmogo. Rre Villander a re botho jo bontle jo batho ba kgotla eo ba neng ba itshwere ka jone bo tswelela ka ele jone jo bo tlhokegang go ba isa kwa go tsotlhe tse dintle. Go itela mafoko kobo moroko Kgosi Samuel Bimbo a re o lebogetse boitshwaro jwa batlhopi go menagane. O boletse fa ditlhopho tsa bogosana di ne di emetswe ke bontlhopheng ba le batlhano mme go tlhophile batho bale lekgolo le lesome le bobedi. O boletse gore Rre Lekgetho Matswiri ke ene yo o fetogile mofenyi ka batlhophi bale masome a matlhano le boferabobedi a salwa morago ke Mme Marea Sephiri bale masome a mane, Rre Happy Jabane a mo loma serota ka ba le barataro. Rre Keleneilwe Kara ene o bone batlhophi ba le batlhano fa Rre Ben Selogo ene a tlhophilwe ke bale le babedi fela. Kgosi Bimbo o tsweletse a supa fa se, se sa reye gore Rre Matswiri e setse ele kgosana ya kgotla eo ka leina la gagwe le tla tshwanela ke go isiwa kwa go mokwaledi wa lephata la dikgaolo go fitlhelela le ya go rurifadiwa ke ba ba maleba. A re Rre Matswiri o tla nama a ise a simolole tiro go fitlhelela go wediwa dithulaganyo tse di maleba mme morago a tle go begwa fa pele ga setshaba sa gagwe. Fa a latlhela la gagwe mongwe wa bontlhopheng, Mme Marea Sephiri o motlotlo fela thata go bo a kgonne go iteisana le borre mme a solofela fa a tla nna sekai mo go bomme ba bangwe. Bontlhopeng botlhe ba ne ba supa fa ba amogetse maduo e bile ba leboga batlhophi go menagane mo bothong jo bontle jo ba bo supileng mo tsamaisong ya ditlhopho. Fa a amogela thomo, Rre Matswiri o lebogile botlhe ba ba neng ba mo eme nokeng le banni ba kgotla ya Thabaneng mme a bolela fa a solofela fa se e le tshimologo ya mosepele o moleele mme o le molemo. A re o eletsa gore ene le morafe wa gagwe ba ka nna le tirisano mmogo e ntle gore tiro ya gagwe e nne bonolo. society 9 Lenaneo la Ipelegeng le fa baakodi seriti Mma Boipelego wa Maunatlala Mme Kelebogile Gaotingwe o boletse mo pegong ya tekodiso morafe bosheng ka ditsamaiso tsa ofisi ya gagwe fa letsholo la go agela batlhoki ka lenaneo la Ipelegeng le le bidiwang Ipelegeng self-Building Project le tsweletse sentle. Mme Gaotingwe o boletse fa ba ne ba dira thulaganyo e e simolodisitsweng ka 2017 ka Lwetse gore ope fela yo o senang bonno jo bo lolameng ba mo fe sebaka sa go ikagela ka go thapiwa mo Ipelegeng dikgwedi tse di rileng mme ba kgone go ipolokela bontlha bongwe jwa dituelo tsa bone go ba thusa mo kagong. O boletse fa ba dirile thulaganyo e ka thuso ya ba poso ba e leng bone ba bolokang bontlha bongwe jwa madi a a dumalanweng e bong P40 ka kgwedi ga mmogo le ba khansele go thusa ka mealo ya tsa kago. Mme Gaotingwe o boletse fa thulaganyo e, e tlaa thusa banni ba le lesome le bobedi mo Maunatlala mme ba tlaa agelwa matlo a dikamore tse pedi. O ne a tlatsa ka go re batho ba le bararo ba ne ba sena ditsha gotlhelele mme ba kabo ditsha mo Maunatlala ba ne ba tsibogele seemo se mme ga fefosiwa go ba abela ditsha. O boletse fa ba Tswapong Brigade kwa Lerala le bone ba amogetse thulaganyo e mme e bile ba solofeditse go romela bangwe ba baithuti ba bone go thusa mo kagong mme godimo ga moo ba ithaopa go tsaya ntlo e nngwe ba e aga ka ditshenyegelo tsa bone. Mme Gaotingwe o boletse fa go aga e se selo se se motlhofo ka go a tura, ka jalo o akgoletse ba ba kgonneng go dirisa thulaganyo e ka a re ba setse ba kgonne go kgobokanya konkereiti le motlhaba e bile ba setse fela ka go rulela. O boletse fa maikaelelo e le go feleletsa ba ba thusitsweng go agelela malwapa ao le gone go ba tsenyetsa le metsi. O ne a kopa banni ba motse go tsenya letsogo mo go thuseng ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng gore le bone ba nne le bonno jo bo lolameng e le tsela ya go ba fa seriti mo setshabeng le go supa mowa wa bopelotlhomogi le tirisanyo mmogo. Mme Gaotingwe o boletse fa thulaganyo e e thusa ba le bantsi go fetola maikutlo le dikakanyo tsa bone mme ba nna le ponelopele ya go tsoga le bone ba ipona ba na le fa ba latsang thogo teng, ka go rialo a ba kopa go tshwara fela jalo go fitlhelela ba kgona se ba se ikaelelang. Bokhutlo society 9 Badirelapuso ba kopiwa go sala melawana morago Mothusa tona wa merero ya Ofisi ya ga Tautona le Bodirelapuso, Rre Dikgang Makgalemele, o kopile badirelapuso go sala melawana ya bodirelapuso morago le go neela setshaba ditlamelo ka nako e e tshwanetseng. Rre Makgalemele, yo a neng a patilwe ke mokwaledi yo haphegileng wa lephata la gagwe, Rre Lesedi Keekae, o dirile kopo e mo phuthegong ye a neng a e kopanetse le badiri ba lephata la dikitsiso mo Mahalapye go lekola ka fa ba berekang ka teng gammogo le go utlwa dikgwetlho le matshwenyego a ba lebaneng nao mo tirong. A re e le badirelapuso batshwanetse go sala morago melwana ya bodirelapuso le go tlhalosetsa setshaba ka mananeo a puso gore ba kgone go a dirisa mo go tokafatseng matshelo a bone. Mothusa tona, yo e bileng e le mopalamente wa kgaolo ya Shoshong, a rele ntswa ba tlhaelelwa ke bodiredi le di dirisiwa, seo ga se a tshwanela go nna seipato sa go tlhoka go isa ditlamelo kwa bathong ka nako e tshwanetseng ka jaana mmuso o ititeile sehuba go tokafatsa matshelo a Batswana. Rre Makgalemele o rile le ntswa badirelapuso ba tsweletse ka go ngongorega,ba tshwanetse go itumelela gore gompieno goromente o dirile melawana e letelang bodiredi go adima madi a go ikagela matlo ka lenaneo la SHHA le go simolola dikgwebo tse e kareng kgabagare ba tlogetse tiro ka bogodi ba kgona go itshetsa ka tsone. E rile badiri ba lephata la Dikitsiso ba akgela mo phuthegong eo, ba kopa mothusa tona go sekaseka go oketsa bodiredi mo kgaolong ya legare bokone ka jaana kgaolo eo ena le mapalamente ale lesome le botlhano le mathona a puso ale lesome. Bare le ntswa ba leka go dira tiro ya bone ka bokgabana sebe sa phiri ke go tlhaela ga bodiredi le di dirisiwa ditshwana dikoloi le digoagowe, mme ba bolela fa ba itumeletse loeto la ga mothusa tona ka jaana o kgonne go utlwa dilelo le matshwenyego a bone. E rile mogolwane wa babegadikgang mo kgaolong potlana ya Mahalapye Leungo Rakgati a amogela mothusa tona a bolela fa kgaolo ya Mahalapye e tshwanetswe kwe gona le babegadikgang bale babedi ka jaana ena le dikgaolo tsa botlhophi dile tharo ebong Shoshong, Mahalapye Botlhaba le Bophirima.BOKHUTLO politics 7 Monna o ikaleditse kwa Tutume Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di magareng ga masome mararo le masome mararo le botlhano wa kgotla ya Selolwane kwa Tutume a fitlhetsweng a akgega mo ditlhomesong kwa kgotleng ya Magapatona ka Mosupologo. Mogolwane wa mapodisi a Tutume, Superintendent Jerry Halahala a re monna yoo o dirisitse mogala go ikgapela botshelo kwa ntlo e go belaelwang e le ya moratiwa wa gagwe. Superintendent Halahala a re tiragalo eo ba e begetswe ka Mosupologo maitseboa mme ba ne ba ragogela kwa lefelong la tiragalo kwa ba ileng ba ragosetsa monna yoo kwa kokelong ya Tutume kwa go tlhomamisitsweng fa a tlhokafetse. Setopo se kwa setsidifatseng sa kokelo go tlhatlhojwa ke dingaka mme o ne a tswelela ka go bolela fa go ikaletsa e se tharabololo ya mathata mme e le go tlisa matshwenyego le bohutsana mo go ba ba salang. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Sekole sa Tutume Central se tshwentswe ke boimana Barutabana ba sekole se sebotlana sa Tutume Central ba re ba tshwenyegile thata ka tiragalo e mo go yone baithuti ba babedi ba basetsana ba lekwalo la bosupa ba tlogetseng sekole ka boimana. Mothusa mogokgo wa sekole seo, Mme Thembani Chilambampani o boletse seo mo bokopanong jwa batsadi le barutabana kwa sekoleng seo ka Laboraro. O ne a tlhalosa fa maikaelelo a phuthego eo e ne e le go tla ka tharabololo go tila tiragalo ya go nna jalo gape. Mme Chilambampani a re tiragalo eo e ba amile le go ba tshosa ka ke lantlha e ba diragalela gape bana bao ba santse ba le ba nnyenyane mo ba ka se akanyediweng mo dikgannyeng tsa tlhakanelo dikobo. O boletse fa baithuti bao ba ne ba dira lekwalo la bosupa,ba le dingwaga tse di lesome le bone le lesome le botlhano. A tswelela a bolela fa ba ile ba bitsa ba botsogo le barutabana le bagakolodi go leka go bua le bana ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo ba sale ba botlana. A re mo bokopanong jwa letsatsi leo e ne e le go kopa batsadi go bua le bana ba bone ka dikgang tsa go ima ba sale ba nnye le ditlamorago tsa gone, a re kgetse ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. O gwetlhile batsadi go ema barutabana nokeng gore seru se se wetseng sekole se seka sa tlhola se boelela gape. Mme Chilambampani a re tiragalo ya teng e diga seriti sa sekole ka ebile bana ba dikole tse di potlana go sa gopolwe gore ba ka amega mo boimaneng jwa baithuti ka ba sale bannyenyane. A re se se ngomolang pelo go feta fa ba latedisa dikgang tsa teng di matswakabele ga di na motlhala gore boimana bo tswa kae. Mooki wa kokelo ya banana kwa kokelong ya Tutume, Rre Baleseng Mackenzie a re kgaolo potlana ya Tutume e di goga kwa pele ka dipalo tsa malwetsi a dikobo le palo e ntsi ya bana ba ba tlhaelang dikota. Rre Mackenzie o ile a semodisetsa batsadi ka bodiphatsa jwa go ima motho a sale monnye. A re bana bao ba santse ba le masea ka jalo ba batla bogakolodi le dithuto go tswa mo botsading go ba ruta ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo ba sale bana. A re gape batsadi ba na le go bua le ngwana wa mosetsana thata ba lebala wa mosimane, a gatelela ka gore a ngwana wa mosimane le ene a seka a kgaphelwa kwa thoko ka le ene o na le seabe se se tona mo dikgannyeng tseo. O ile a tswelela a supa fa go santse go na le phatlha fa gare ga motsadi le ngwana, a ba kopa go tswala phatlha eo mme ba nne gaufi le ngwana go leka go lemoga diphetogo tse di tlang mo ngwaneng le go di dibela go santse go na le nako. Mongwe wa batsadi, Rre Mothusi Mackenzie wa morutabana a re batsadi ba na le go loba le go bipa mpa ka mabele mo dikgannyeng tse di diragalelang bana. O kopile batsadi go sireletsa bana,a re ba sephiri thata le fa ba bona ditiragalo tse di masisi tse di diragalelang bana bogolo jang ba basetsana, mme a ba kopa go tlogela mokgwa oo. BOKHUTLO health 6 Fitness leads to productivity Taking care of one’s body both spiritually and physically results in productive work, a psychologist at Nyangabwe Referral Hospital, Mr Ponalo Gaamangwe has said. Speaking at a wellness day for the Administration of Justice at the Francistown High Court on Friday, October 18, he said physical exercise relieved stress and brought about a healthy wellbeing. Mr Gaamangwe said those who were able to exercise, created for themselves an environment which assisted them to be disciplined, be physically fit and be enthusiastic at work. He said another challenge that caused low performance in the work place was stress, which led to suppression of the whole body system and if it was not quickly dealt with, resulted in depression. He explained that once a person was depressed, they lost interest in their daily activities and sometimes chose to committ suicide. Mr Gaamangwe encouraged workers not to always think stress as bad as it did play an important role, especially for those who were sick and did not want to visit health facilities. He said when these people are stressed, that is the time they will be forced to go and seek medical attention and the disease would be quickly attended to. The psychologist said problems such as bullying supervisors, financial burdens, the break up of relationships and incurable diseases such as HIV and AIDS are some of the challenges that lead to stress among workers. He also noted that innovation at work had been considered to be one of the causes that could result in stress among workers. Giving an example, he said innovation such as reduction of paper work through introduction of computers does cause fear among those that are not computer literate, eventually leading to stress. Furthermore, he said the way in which people handle things can result in stress; for instance, if a marriage breaks up, one may think it is the end of the world and this will affect their productivity at work, but another may seek counselling and move on with life. He said the reason why most people fail to tackle stress is due to the fact that they respond to the negative thoughts their environment feeds them. To avoid negative thoughts, he encouraged workers to feed their minds with thoughts that would bring about a positive ending. He stated that for people to be able to bring about positive thoughts in their minds, the first thing they have to do is identify the root cause of stress. “One cannot fight against what he or she does not know, surely he or she will be fighting a losing battle,” he affirmed. Mr Gaamangwe explained that when the root cause of stress has been identified, that is the time people can go and buy books that are spiritually enriching to help them overcome negative thoughts. Furthermore, he warned workers to desist from being in isolation, which he noted makes a person think the world has turned against them. He said if one has a recurring headache, back pain, uncontrollable anger and lapse in concentration, they should immediately seek medical attention as these are some of the signs of stress. ENDS health 6 Banana kwa Letlhakeng ba tsosolosa ngwao Banana bangwe kwa Letlhakeng ba inaakantse le boithaopi go tlhagola tsela ya go bona tiro. Ba re ba rutana ka ngwao ya motse wa bone le go itsa gore e seka ya nyelela ka e bile go nna merafe e e farologaneng kwa motseng oo. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla bosheng, mongwe wa batlhami ba mokgatlho wa Matheabadimo Cultural Festival, Rre Kennedy Therego a re maikaelelo a bone ke go tsosolosa ngwao le go rutuntsha banana ka ngwao gore ba tle ba emele motse wa bone kwa dikgaisanong tsa ga Tautona. A re ba eletsa thata gore mo tsamaong ya nako ba simolodise lefelo le go tlaa bolokwang ditso tsa motse mo go lone ga mmogo le go dira maitiso a ngwao a ngwaga le ngwaga. Fa a tswa la gagwe mothusa kgosi ya Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng a re go itumedisa fela thata fa motse wa gagwe o na le banana ba ba ratang segabone e bile ba sa batle go bona se nyelela. O rotloeditse banana bao go tshwara ka natla le gore ba seka ba kgobiwa marapo ke dikgwetlho tse ba kopanang natso mme a re ba seka ba tshaba go kopa dithuso mo go ba ba maleba fa ba di tlhoka. Kgosi Puleng o kopile bagolo ba motse oo gore ba eme banana bao nokeng go fitlhelela maikaelelo a bone le go itsa go kgobega marapo. O bile a kopa batsadi go rotloetsa bana ba bone go tsena ditiro tsa motse le go ithaopa go isa motse wa bone kwa pele. Banni le bone ba ne ba supa fa ba itumeletse maiteko a mokgatlho oo ba re e bile ba ne ba ntse ba ipotsa gore a mo motseng wa bone ga go na banana ba ba ka dirang tiro eo ka e bile ba ipelela letsatsi la ngwao kgwedi e e tlang ya Ngwanatsele e tlhola malatsi a le mane. Ba re ba ntse ba tshwenyegile ka go tlhoka kgatlhego ga banana mo ditirong tsa boithaopi ka go lebega ba lebile fela mo pusong go ba direla sengwe le sengwe. Banana ba mokgatlho oo le bone ba kopilwe go gasa mowa wa boithaopo mo bananeng ka bone gore motse wa bone o nne le tswelelo pele. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Masika a gopola mogaka wa poko Bana, masika le ditsala tsa mogaka wa pele wa poko ya setso, Rre Sekokotla Kaboeamodi yo o sa tlholeng ale mo botshelong, ba ne ba phuthegela kwa kgotleng yoora Sebego mo Kanye go mo tlotla le go mo gopola le mohumagadi wa gagwe Dikeledi. E rile a bua kwa moletlong wa go apola matlapa a boora Kaboeamodimo, Rre Gasegodira Kaboeamodimo, yo ebileng ele moruti wa Kereke ya UCCSA a re ba sa ntse ba gakologelwa maboko aga Rre Kaboeamodimo. O tlhalositse gore maboko a gagwe a ne a itebagantse thata le go boka botautona le magosi a ga Ngwaketse segolo thata moswi Kgosi Bathoen II. Moruti Kaboeamodimo a re mangwe a maboko a ga Rre Kaboeamodimo a gatisitswe mo seromamoweng sa Botswana, a bo a nankola lengwe le le reng Bangwaketse lo tlhobaetsa Kwena boroko (Kgosi) go lala e ile dikgofeng; fa le lengwe lene lere Mosadi wame Mma Keneilwe nnela metsi ke tlhapise Kwena diatla. A re Rre Kaboeamodimo kgotsa Rra Keneilwe jaaka bangwe ba ne ba mmitsa, o ne a dira poko ya gagwe ka botswerere jo bogolo mo baeteledipele ba lefatshe le bone ba neng ba bo lemoga e bile ba mo rotloetsa mo tirong ya gagwe. A re Rre Kaboeamodimo yo eneng ele mophato wa Matloladibe, e bile ele leloko la kereke ya UCCSA, o ne a abelwa seetsela ke tautona wa pele wa lefatshe leno moswi Sir Seretse Khama, a ba a abelwa se sengwe ke tautona wa bobedi Sir Ketumile Masire. O tlhalositse fa Rre Kaboeamodimo a sa le a tlhokafetse ka ngwaga wa 1996, fa mosadi wa gagwe ene a tlhokafetse monongwaga ka kgwedi ya Motsheganong mme botlhe ba bolokilwe mo Kanye, kwa mabitleng a Mpuutsane. Erile a bua mo boemong jwa bana, Mme Metsiatsile Ketshabile a tlhalosa fa batsadi ba bone ba ne ba ba ruta lorato le tlotlo gore ba tlotlane le go itse gore motsadi mongwe le mongwe ke motsadi wa bone. Mme Ketshabile o tlhalositse gore motsadi wa bone wa rre e ne e le motho yo bogale thata fa tshwantshanngwa le Mma Keneilwe, yo ene a neng a le bokgwabo thata. A re batsadi ba bone ene ele balemi barui mme ba rata temo thata ebile ba itshetsa ka yone ka jalo ba seke ba bolawa ke tlala, a re le bone ele bana seo se ne sa ba ruta go itse fa botshelo jwa temo bo le mosola thata, a gatelela ka gore batsadi ba bone ba ba godiseditse mo tumelong. Bokhutlo society 9 Makwinja o wetsa leeto la dikole tsa Palapye Mothusa tona wa Thuto go tswa kwa Moding, Mme Nnaniki Makwinja, o akgotse bogogi jwa Palapye ga mmogo le bodiredi go bo ba dirile ka natla go netefatsa gore tsotlhe di apare tshiamo pele ga dikole di bulwa Seetebosigo a le 16. O buile jaana Seetebosigo a le borobabobedi fa a wetsa leeto la letsatsi le le lengwe go lekola dikole kwa Palapye. Mme Makwinja yo e leng mopalamente wa Lentweletau/Mmopane o ne a supa fa morutabana a le botlhokwa mo matshelong a mongwe le mongwe, a re fa morutabana a seyo go kabo go sena epe kitso e e teng mo nakong eno. Mme Makwinja o ne a akgola makalana a thuto, khansele, molaodi le puso go bo ba kgonne go tshwaraganela ditlamelo tsotlhe tsa puso ka tsela e e faphegileng gore go kgonwe go lwantsha kanamo ya mogare wa corona. A re tshwaragano eo e supa gore go dira ba le seopo sengwe ka maikaelelo a go tlhabolola ngwana go na le maduo. A re makgotla a batsadi le barutabana a botlhokwa le one mo nakong e e thata e, ka ba sa ipone tsapa go inaakanya le tse di tlhokwang ke dikole. Mothusa tona a re mo nakong eno barutabana ba dira ba le magoboka ka go sena tiro epe e ba sa e direng go tlamela ngwana mo dikoleng tsa bone. A re dikole di ithutile go le gontsi ka botlhokwa jwa bophepa jwa bana jaaka go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa. Bontsi jwa dikole tsa Palapye go bonala di le malala a laotswe go ipaakanyetsa seemo se ka go kgaoganya bana gabedi bangwe ba tsene mo mosong fa bangwe ba tlaa tsena mo tshokologong. Mogokgo wa Palapye Junior Rre Thatayaone Kefilwe o ne a tlhalosa fa ba kgonne go gokela metsi mo ditankeng tsa metsi di fera bobedi le go a tsenya dithuthafatsi tsa motlakase tanka nngwe le nngwe. Lephata la thuto kwa Palapye le kgonne go thapa batlhokomedi ba tsa botsogo mo dikoleng tsotlhe le fa ba sa lekana, le ba Ipelegeng ba thapilwe go thusa go phepafatsa dikole go lwantsha mogare. Mogolwane mo lephateng la Thuto go tswa Moding Mme Wanani Gunda o ne a supa fa gape ba dirile dikopo tsa go ka rekelwa matlwana a nama o sa tshwere go oketsa matlo a burutelo. Fa a leboga moplamente wa Palapye Rre Onnetse Ramogapi o ne a akgola leeto la ga mothusa tona a re le tsile ka nako e e botlhokwa, segolo jang mo kgaolong ya gagwe e e lebanweng ke tlhaelo ya matlo a boroko jwa barutabana le a borutelo mo dikoleng ka bontsi. Mopalamente o ne gape a re tirisanyo mmogo le tekodiso ya nako le nako ke bogogi jwa Palapye e ne ya mo tiisa moko. Rre Ramogapi a supa fa tsotlhe di dirilwe ka thelelelo, boineelo le bonatla go dirisiwa ditlhaloganyo, mme a re go santse go tlhaela ka kgaolo ya gagwe e tlhaelelwa ke madi. education 4 Lephata le rerisa bagwebi ka molao Mookamedi wa lephata la papadi le dikgang tsa baji-bareki, Mme Seipati Olweny, a re go botlhokwa gore dikgwebo tse di potlana di ikwadise kwa khanseleng. O buile jalo bosheng fa a rerisana le bagwebi ba Mahalapye ka molao kakanyetso o o laolang dikgwebo. A re le fa dikgwebo tse di potlana di laolwa ke melawana ya dikhansele ka go farologana, go na le dingwe tse di runyang fela, ka jalo di felele di gweba di sa itsiwe. Mme Olweny a re fa bagwebi ba dikgwebo tse dikgolwane ba ngongorega ka phadisanyo ya dikgwebo tse di potlana tse di sa kwadisiwang, ba tshwanetse ba tlhaloganye gore dingwe tsa tsone di simolodisitswe ka thulaganyo ya nyeletso lehuma. “Le fa ba direla kana ba apeela kwa malwapeng, khansele e tshwanetse go seka-seka fa ba direlang teng go tlhomamisa botsogo le pabalesego. Go a bonala gore bangwe ba leka go tokafatsa matshelo a bone ka go dira dikgwebo tse di potlana, mme ba sa sa le tsamaiso morago.” Mme Olweny o ne a araba dipotso le dikakgelo tsa bagwebi ba ba neng ba tsene bokopano jwa therisano ka diphetogo tse di gopotsweng go dirwa mo molaong o laolang dikgwebo. A re tsholofelo ke gore morago ga go phutha megopolo ya bagwebi, molao kakanyetso oo, o buisanwe ke mapalamente ka phuthego ya mariga. Fa a lekodisa ka dingwe tsa diphetogo tse di akanyeditsweng go dirwa, Mme Olweny o boletse fa tiro ya popota ya lephata la peeletso, papadi le madirelo e le go tlhomamisa gore tikologo e siametse bagwebi ka go nolofatsa dilo di tshwana molao wa tsamaiso kgwebo. “Re romilwe go tlosa dikgoreletsi tse di itsang bagwebi go dira ba phuthologile,” a tlhalosa jalo. O supile gore tsamaiso ya go simolodisa kgwebo e ka tswa e le mogoga moleele, seemo se se ka dirang gore babeeletsi ba ba tswang kwa mafatsheng a mangwe kana le bone beng gae ba ba eletsang go dira dikgwebo ba nyeme moko. “Re a itse gore motho a le mongwe fa a bereka o tlamela ba le bantsi ka jalo seemo seo se fokotsa lehuma,” ga tlhalosa Mme Olweny. Mme Olweny o tlhalositse gore ka kgwedi ya Sedimonthole ka ngwaga wa 2014, khuduthamaga ya matona e ne ya dumalana molawana o o itebagantseng le go nolofatsa tsamaiso ya go bula dikgwebo. “Maikaelelo a molawana oo, ke go ntsha dikgoreletsi tse di ka dirang gore tsamaiso ya go dira kgwebo e nne mogoga moleele le gone go fokotsa ditshenyegelo.” O kgothaditse bagwebi ba Mahalapye go tswa ka megopolo e e tlaa thusang go tokafatsa mohama wa go gweba mo Botswana. “Re eletsa gore diphetogo tse di tlaa dirwang di tswe ka lona.” O tsweletse a supa gore nngwe ya diphetogo tse di akanyediwang go dirwa ke gore motho a letlelelwe go simolodisa kgwebo a sa lopiwa go kopa teseletso. “Fa o na le lefelo la go gweba, o tsentse tsotlhe tse di tlhokafalang, molao o tlaa go letla go gweba o sa fiwa teseletso,” Mme Olweny a bolela. Le fa go ntse jalo, a re dikgwebo tse di amang tsa botsogo le pabalesego tsone di tlaa lopiwa go ikopela teseletso. “Dikgwebo tse di amanang le tsa botsogo le pabalesego jaaka tsa dijo di tlaa tswelela ka go etelwa di tlhatlhobiwa go tlhomamisa fa di setse tsamaiso morago.” Mme Olweny a re dikgwebo tse di seegetsweng fa thoko go dira ke beng gae di tlaa tswelela di ntse di le teng. “Go gweba ka dikoloi tse di dirisitsweng le thekiso ya megala ya letheka ke dingwe tsa dikgwebo tse molao kakanyetso o batlang gore di seegelwe fa thoko go dirwa fela ke beng gae. Maikaelelo a go seka-seka molao o o tsamaisang bagwebi ke go tlhofofatsa tsamaiso ya kgwebo, ka jalo re kopa thuso ya lona gore le kgone go senola dikgoreletsi tse re sa di lemogang. Re leboga le go lemoga seabe sa bagwebi mo go godiseng itsholelo ka go tlhama ditiro, go godisa le go tswakanya mohama wa kgwebo mo gae,” ga tlhalosa Mme Olweny. Mongwe wa bagwebi, Rre Simane Ranthoakgale o ne a supa fa gona le bagwebi bangwe ba ba botlana, ba ba rekisang dijo le majalwa mme ba sena diteseletso. Rre Ranthoakgale a re molao kakanyetso o lebelele seemo se ka gore ba gweba ka dilo tse di ka tsenyang matshelo a batho mo diphatseng mme ba sena diteseletso gape mafelo a ba direlang mo go one a sa tlhatlhobiwa. Mme Lillian Mmereki ene o ne a lebogela therisano e e dirwang. Mme Mmereki a re go kopanela morero le ba ba amegang go tlaa thusa go tswa ka megopolo e e nonofileng. Le fa gole botlhokwa go nolofatsa tsamaiso ya go dira kgwebo, Rre Barobi Nonyane a re o na le pelaelo ya gore dikgwebo tse di seegetsweng fa thoko go dirwa ke beng gae ke tsa boleng jo bo kwa tlase e bile di ka seke tsa dira letseno le le rokotsang mathe. “Ke dumela gore kgwebo e e nang le mmaraka o o nonofileng jaaka ya thekiso ya didirisiwa tsa kago e nne nngwe ya tse di seegelwang fa thoko go dirwa ke beng gae,” ga tlhalosa Rre Nonyane. economy_business_and_finance 3 Kgathi o lekola badirela puso kwa Matshekge Badirela puso ba akgoletswe seabe sa bone mo go tlhabololeng lefatshe leno. Ba akgotswe jalo ke mopalamente wa kgaolo ya Bobonong,Rre Shaw Kgathi fa ane a buisa badirela puso kwa bokopanong jo boneng botshwaretswe kwa sekolong sa Matshekge bosheng. Rre Kgathi yo gape eleng tona wa itshireletso, molao le tlhokgamo,o ba akgoletse go bo badira tiro ya bone ka manontlhotlho le botswapelo,mo go lekeng go thabolola kgaolo e ba direlang mogo yone. E ne e rile gole pele a etela sepatela se segolwane sa Bobonong go se abela dikobo dile masome a matlhano. Fa a ema badiri ba sepatela seo ka lefoko a re ba tshwanetse ba thusa setshaba ka fa go tshwanetseng,a ba gakolola gonna baitsise batho ba ba emetseng thuso,go ba itsise ka se se ka tswang se batshwere,gona le go batlogela fela bantse fo o ka le baka lololeele,basa itsi gore seemo keeng. O boletse fa e sale go go bulwa ga molelwane wa Mabolwe go setse go tlodile batho ba le sekete le lekgolo le lesome bobedi(1112). A re selelo le khuranyo ya meno ke goima ga bana,fa go supagetse go tswa ka Herekgong go tsena Seetebosigo go setse go dule bana bale lesome le boherabobedi mono ngwaga. Mothusa mookamela lephata la khiro ya badirelapuso (DPSM) Mme Maipelo Ragalase a re ba mo lenaneong la go sekaseka go duela Overtime ya sennela ruri,le gore ba ba tshwereng maemo a D4 go ya kwatlase ba bakanyediwe go bona dithuso tsa SHHAA . Badirela puso le bone bane ba nna le sebaka sa go lekodisa Rre Kgathi ka matshwenyego a bone,a a akaretsang ditiro dile dintsi mo mothong a le mongwe,thaelo ya dikoloi,boroko, le gore ba ba utswang ka dikgoka ba seka ba letela tsheko kwa ntle le le ba ba tlhakanelang dikobo le bana ba babotlana ba tseelwe dikgato tse di gametseng. politics 7 Botshelo kgetsi ya tsie Morago ga go tshela ka lobaka ba dira ditiro tsa nakwana ka go sena diphatlha tsa mebereko, bo rre bangwe kwa Francistown ba bone go tshwanetse go nna mabogodika go ipetlela tsela ya botshelo. Borre ba; Rre Molemogi Chalashika, 39, a tlholega kwa Tamasane le Rre Oarabile Tauyatshipi, 27, wa Goshwe, ba tsene mo kgolaganong ngwaga ono o simologa go inaakanya le kgwebo ya go roka. Bobedi jo, bo tlhalositse gore ntswa dikgwebo tsa go roka di setse di aname, bone ba ne ba nna le maitemogelo a gore ga se baroki botlhe ba ba itebagantseng le thoko ya diaparo tsa metshameko. Selo se, se ne sa ba gwetlha go tsena mo kgwebong ya go nna jalo ka maikaelelo a go apesa ditlhopha tsa metshameko tsa mono gae. Rre Chalashika o tlhalositse fa bokopano jwa bone bo simologile fa ba ne ba bogetse motshameko wa kgwele ya dinao wa ditlhopha tsa Untouchable Swallows le Moselewapula DRC kwa Gerald ka Tlhakole, mme Rre Tauyatshipi a kgatlhwa ke diaparo tse a neng a di roketse bana ba gagwe tsa kapari ya metshameko. Bobedi jo, bo ne jwa kopana go dumelana ka fa ba tlaa berekang mmogo ka teng mme ba ne ba kwadisa kgwebo ya bone semmuso e ba e biditseng Monglachaa Company, e direla mo Francistown. Rre Chalashika o tlhalositse fa a kwataboloditse botsipa jwa go roka kwa komponeng e e itsegeng ka go roka ya Nortex. Ba tlhalositse gore ntswa ba ise ba nne le ditsompelo tse di lekaneng tsa go tsamaisa kgwebo, ba tsweletse ka go itemogela kgolo ka jaana ba bolela fa ditlhopha ka go farologana di tsweletse ka go ba rotloetsa. Borre ba, ba supa fa ba setse ba roketse ditlhopha tsa Untouchable Swallows, setlhopha sa Makobo, sa Semolale, balatedi ba Gunners ba Francistown, setlhopha sa Tamasane le tse dingwe ka go farologana. Ba tlhalosa gape fa mo ditlhopheng tsa metshameko tse ba di rokelang, ba aga ba dira gore ba roke le kapari ya balatedi ba ditlhopha tseo e bile e tsamaisana le kapari ya setlhopha sa bone. Ba supile fa leano le le ba thusitse go menagane go dira dipoelo tse di botoka ka ba bolela fa balatedi ba ditlhopha ba aga ba le bantsi, ba tlatsa ka go re ba ba rokela le di track top. Mo nakong eno ba re ba ikgolagantse le mongwe yo a tshwantshang dikano go nna a ba tshwantshetsa kapari ya ditlhopha tse ba di rokang. Ba ne ba tlatsa ka go kgothatsa banana segolo jang go inaakanya le ditiro tsa diatla go itshetsa le go leka go fefosa go bula diphatlha tsa ditiro. Selo se setona se ba tlhalositseng fa se le botlhokwa mo mererong ya kgwebo e le go nna pelotelele ga mmogo le go nna le maitlamo le maikemisetso. economy_business_and_finance 3 Tsayang boikarabelo - Makgalemele Banana ba kgaolo ya Shoshong ba rotloeditswe go emela kgaolo ya bone ka dinao go etelela pele mo ditirong tsa metse ya bone go bona gore ba tlisa ditlhabololo ka go dirisa mananeo a puso a banana go tlhama ditiro le go nyeletsa lehuma. Mafoko a, a builwe ke mopalamente wa kgaolo eo yo e bileng ele mothusa tona wa tsa merero ya ofisi ya ga tauutona le bodirelapuso Rre Philip Makgalemele kwa metseng ya Mmutlane, Shoshong le Otse mo kgaolong ya Shoshong kwa Mmutlane bosheng. Rre Makgalemele o ne a ba rotloetsa go tsaya boikarabelo mo go eteleleng pele mo metseng ya bone go tlisa mananeo a a ka fetolang matshelo a bone. Phuthego eo, ya setlhogo se se reng,” Banana ba eteletse pele go tlhama ditiro le go nyeletsa lehuma’’ Rre Makgalemela a re o ntshitse setlhogo seo a lebeletse mabaka a mantsi jaaka go tsaya boikarabelo go fenya lehuma, ka ba itekanetse e bile ba le malatsi mantsi ba santse ba ka dira. A re puso e dirile mananeo a mantsi, mme ka banana ke baeteledipele mo go tsotlhe le dikgwebo a ba ititee sehuba go tsoga ba tsholeditse itsholelo ya metse ya bone le gore ba seka ba tsena mo dikgannyeng tsa mapolotiki ba tlhwaafalele go bona metse ya bone e tswelela pele. Rre Makgalemela o ba gakolotse gore go dirisa mananeo ka ditlhopha go mosola thata mo go bone le go nna pelotelele. O ba rotloeditse go thama dikoporase le tsa temo. A re ba ka lema merogo ka go farologana, thuo ya dikoko tsa setswana le dihutshane dinotshi ka tsina e tlhaela, ba sa leme dijwalo tse di tshwanang ba rekisetse dikolo le madirelo a matona mme ba ka thapa banana le botsadi mo metseng ya bone. A re ke mananeo a mantsi a banana ba ka tlhabololang metse ya bone jaaka Bojanala tsa dikago le tsa borenyane go rekisa didirisiwa tsa jone jaaka computer, printer le tse dingwe, a re tsa borenyane di abetswe P895 million mme go tlhoka fela banana go ikopanya go dira kgwebo. A re mananeo ao banana ba a rutuntshiwa mme ba fiwe ditankana tse ka tsone ba di dirisang go kopa madi. A re mmaraka o teng mo Botswana le mo mafatsheng a mangwe. A re ba tshwanetse go abelwa lefatshe. A re ba tloga ba simolola go dira ditshupo motse le motse mo kgaolong ya bone go rekisa metse ya bone mo bo gaufing. O ba kopile go thama lekgotla le ka lone mo metseng ya bone ba ka isang dikgwetlho tsa bone mo maphateng ka lentswe le le ngwefela, ka seo se ka rarabolola dikgwetlho tse ba kopanang le tsone e le banana. O ba lekodisitse ka lenaneo la tirelo sechaba ya baithaopi badialogane ba ba sa yang internship, seo e le go ba thusa gore fa ba ya mo maphatengng a ba ithaopileng go ithuta ditiro mo go one ba kgone go ithusa jaaka go palama le tse dingwe. Rre Makgalemela a re go ithaopa moo go ba tswela mosola ka ba anya dikitso tsa ditiro mme e bile ga ba tlhole mo malapeng, a re ba wetsa tiro motshegare fa go iwa dijong gore ba ye go tswelela le go ikopela mananeo. Badirela puso ka go farologana ga maphata ba ne ba tlhatlhelela banana ka tsamaiso ya go ikopela mananeo, mogokgo wa sekolo se segolwane sa Shoshong o ne a kgotlhatsa banana gore mo sekolong sa gagwe ba reka morogo fela o montsintsi, nama ya koko maungo le tse dingwe mme fa ba ikopantse diphatlha tsa itshetso di dintsi. Ba gakolotswe gore fa ba kopa ditsha ba ise ba di bone batsadi ba ka ba adima mafelo a bone go tsweledisa ma direlo a bone mme go tlhokega lekwalo go tswa mo botsading. Mo go tsa thuto ba boleletswe gore jaanong ditankana tse ba neng ba sa di neelwe kwa dikweleng gotwe ba a kolota puso e laotse gore ba di neelwe ka go kolota botsadi e se molato wa bone. Badikoporase ba ba rotloeditse go ikopanya go dira dikoporase ka ba a rutuntshiwa, go dupiwa tiro ya bone bantse ba tsweletse le ditiro faba setse ba filwe madi ba rutuntshiwa le go tlhatlhobiwa. Ba motlobo wa dibuka ba rotloeditse banana gore kitso ke boswa jo o sa bo tseelweng ke ope mme ba tle mo go bone go ithuta dibalamakgolo ka gompieno go tshelelwa mo go diriseng maranyane. Ba ofisi ya banana ba itsisitse banana gore fomo e ba reng e thata bat le mo ofising go tla go thusiwa Banana ba ne ba bua dikgwetlho tse ba kopanang natso mo maphateng ka go farologana, mme mopalamente a ba kgotlhatsa go tlhama lekgotla la mo metseng ka ke lone le ka arabang dikgwetlho tsa bone. economy_business_and_finance 3 Sekole sa Supang se ipelela ngwao le teme ya Setswana Mopalamente wa kgaolo ya Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe o supile fa go le botlhokwa gore dikole tsotlhe di nne le letsatsi la go ipelela ngwao. Rre Lelatisitswe o buile jalo kwa moletlong wa go ipelela ngwao ke sekole se sebotlana sa Supang kwa Letlhakane bosheng. Rre Lelatisitswe a re se se ka dira gore bana ba itse ngwao ya bone ba sale bannye. Ka jalo o ne a rotloetsa dikole tse dingwe gore di tsee malebela mo go sa Supang. A re bana ba tshwanetse ba rutwa ngwao ya bone mo go tseneletseng ka gore ba setse ba ithuta dilo tse di farologaneng di siame kgotsa di sa siama mo maranyaneng a segompieno. O tlhalositse fa kgaolo ya Boteti e na le merafe e le mentsi e e akaretsang Bakhurutshi, Bakalaka, Baherero, Bayeyi, Basarwa, a supa fa dingwao tsa merafe di nyelela, ka bana ba ba tswang kwa tlase ba sa di itse. Mongwe wa dibui, ngaka ya kokelo e e ikemetseng ya Rapha Medical Centre, Dr Remotsaletswe Boithamako o ne a akgolela go menagane barutabana ba sekole seo, maiteko a bone a go simolodisa letsatsi la go ipelela ngwao. Dr Boithamako a re moletlo oo, o botlhokwa ka jaana o ruta le go lemotsha bana ngwao ya bone ba sa le bannye. O tlhalositse fa moletlo o le maleba ka jaana o tlaa dira gore bana ba lemoge gammogo le go tlotla ngwao, a tlatsa ka go re se gape ke tsela ya go somarela ngwao. O ne a tlhalosa fa go na le dithuto tsa ngwao mo dikoleng, ka jalo a supa gore moletlo o o ka thusa gore bana ba di tlhaloganye botoka ba bona ngwao e dirwa. Dr Boithamako a re fa motho a etetse kwa mafatsheng a mangwe, o tshwanetse a lemogwa gape le ka ngwao ya gagwe, a tlhalosa gore bajanala fa ba le mono ba reka didirisiwa tsa ngwao ya Setswana. O ne a rotloetsa bana ba sekole go ikgantsha ka ngwao, metshameko, mmino le dijo tsa ngwao, ka e bile dijo di na le seabe se segolo mo botsogong. A re bana ba tshwanetse go ithuta gore go dirwa eng mo kgotleng, tsamaiso le melao ya yone. E rile a tlhalosa ka maikaelelo a tiro e, mogokgo wa Supang, Mme Mercy Bayani a re ke go supegetsa bana botlhokwa jwa ngwao . Mme Bayani a re dithuto tsa ngwao di tshwana le tsa Culture le Social Studies di rutwa bana, mme fa gongwe ga go na sesupo se se kayang gore bana ba kgone go tlhaloganya. A re maikaelelo a moletlo ke go ruta bana le go gakolola bagolo ka botlhokwa jwa ngwao le tshomarelo ya yone. Mme Bayani o boletse fa ba ikaelela go tshwara moletlo o ngwaga le ngwaga e le tsela ya go boloka le go lemotsha bana mekgwa yotlhe ya ngwao ya merafe ka go farologana. Kwa moletlong oo, go ne ga supiwa metshameko, mmino le maboko, dikgafela gammogo le motshameko wa lenyalo wa letso sa Sekhurutshi. arts_culture_entertainment_and_media 0 Go ima ga bithuti kwa Shakwe go a tshwenya "Dipalo tsa bana ba basetsana ba ba tlogelang sekole ka ntlha ya boimana di tsweletse ka go gola. Mafoko a, a builwe ke Kgosi Kenneth Mosarwa wa Shakwe mo kgaolong-potlana ya Mahalapye bosheng. A re go ima ga bana ba ba dingwaga di kwa tlase e sa ntse e le kgwetlho mo lefatsheng leno. O tswelela a tlhalosa fa bana ba motse wa gagwe ba ba amilweng ke boimana e le ba sekole se segolwane ba ba dirang lokwalo lwa bobedi le la boraro. O tswelela a tlhalosa ka gore le fa moithuti mongwe le mongwe yo o tlogelang sekole a e ka nna ka go thoba, go sa tsogeng sentle,go bereka ga bana, go bereka mo dipolaseng le botlhokatsebe kana ka go ima go a tshwenya. A re bana ba ba tsweletseng ka go tlogela sekole ba, ba imisiwa ke borre fela ba batona ba ba nang le malwapa a bone, a tlatsa ka gore seo ke go tlhoka boikarabelo ga borre bao. ""Akanya o le rre, rre fela yo motona a imisa ngwana wa gago o ka tseega jang fela?”a botsa. O ne a kopa borre ba ba dirang bosetlhogo joo go bo emisa ka ponyo ya leitlho ka gore Modimo o tlaa ba otlhaya. Gape puso ya Botswana e dirile thulaganyo ya thuto ya botlhe, ngwana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go bona thuto go sa kgathalesege gore seemo sa gagwe sa itsholelo kana sa botshelo se ntse jang, a tlatsa ka gore mme borre bangwe ba tlaa folodisa maiteko a puso. Le fa go ntse jalo, kgosi a re gangwe le gape o nna a bitsa diphuthego go tla go leka go tlhalosetsa batho ka melao e, a tlatsa ka gore sebe sa phiri ke gore go tla bomme fela,bone ba ba imisang bana ga ba tle. A re go imisa bana ba dikole ke borre bangwe go senyetsa bana bokamoso ka thuto ke yone tsela e e ka dirang gore motho a tshele botoka. A re ba bongaka ba supa fa boimana ja bana ba ba kwa tlase go baya botshelo jwa bone mo diphatseng ka gore mebele ya bone ga e ise e nonofele go tshegetsa losea, a tlatsa ka gore boimana joo bo ka baka loso. “A re le batsadi re bue le bana ba rona ba ikgaphe mo tlhakanelong dikobo,”a tlhalosa. A re batsadi ba rotloetse bana go ithuta,gape ba ba tlhome leitlho thata gore fa e le gore ngwana o tswa mo tseleng ba mo kgaleme ka pele. Le fa go ntse jalo,a re o rotloetsa bana go ikuela kwa go ba boipelego le mapodisi gore ba kgone go tsena sekole ba phuthologile, a kaya fa thuto e ka tsisa pharologanyo mo botshelong jwa bone. A re o dumela gore botsamaisi ja dikole bo leka go itebaganya le dikgwetlho ka mananeo a tshwana a tshidilo maikutlo, komiti ya batsadi le barutabana, go ba rotloetsa mo moeng le dithuto tsa go itshwara sentle, ka go laletsa baruti kwa dikoleng le tse dingwe. Kgosi Mosarwa a re le fa go na le dithulaganyo tsa go nna jaana, boimana jwa bana bo tsweletse ka go nna teng ntateng ya go sa tlhokomeleng bana ga batsadi, go latlhelela dilo ga batsadi le tlhakatlhakano e e mo setshabeng. BOKHUTLO" health 6 Mogokgo o lela ka go ima ga baithuti Go bolelwa fa seemo sa baithuti ba ba tswang ka boimana kwa sekoleng se segolwane sa Tutume McConnell College se bifela pele. Mogokgo wa sekole seo, Rre Watson Basoli o boletse mo phuthegong ya batsadi le barutabana fa go setse go dule basetsana ba le lesome le bobedi ka lebaka la boimana mo dikgweding tse nne tse di fetileng. Rre Basoli a re mo dipalong tseo, bathuti ba le borobabongwe ba ne ba dira mophato wa botlhano fa ba le bararo e le ba mophato wa bone. Mogokgo a re se se ngomolang pelo ka dikgang tseo ke gore beng ba merwalo eo ga se baithuti ka bone mme go supega e le borre kwa motseng. A re fa ba leka go botsolotsa ka dikgang tsa teng, karabo e nna e e lolea, fa gongwe gotwe ke motswakwa o siele. O tsweletse a re, ditiro tseo di dirwa ke banna ba ba nang le malwapa a bone mme ba okisa bana ka megala ya letheka le madi. O kopile batsadi ba bana ba basetsana go bua le bana ba bone le go ba lemotsha bodiphatsa jwa go ima ba sale bannye gammogo le kgonagalo ya go tsenwa ke mogare wa HIV. Mo go tse dingwe , mogokgo o boletse fa boitsholo jwa baithuti bo tokafetse fela thata le mororo go santse go na le bangwenyana ba ba santseng ba saletse morago. A re kgwetlho e ba santseng ba na le yone ke tshenyo ya dithoto tsa sekole, e e leng maswefela thata kwa matlong a borobalo a basimane ka ba sentse le megala ya motlakase tota. O tlhalositse fa maduo a ditlhatlhobo tsa lekwalo la botlhano a ise a tokafale. A re sekole se mo maemong a masome a mabedi le bongwe mme le fa go ntse jalo go na le baithuti ba le bane ba ba kgonneng go dira ka bokgabane ka jalo ba bone sebaka sa go ka tsweledisa dithuto tsa bone ba duelelwa ke puso. Rre Basoli o ngongoregetse seabe sa batsadi mo thutong ya bana bone, a re ba maoto a tshupa mme ba bonala fela fa maduo a dule. A re seo ga se kake sa ba isa gope ka ba tshwanetse go tshwaraganela thuto ya bana go ba betlela isago. O tsweletse a kopa batsadi go emisa go tlisetsa bana mepako, a re mephuthelwana ya dijo tse di tlisiwang ke batsadi e oka bogotswana mo sekoleng mo ba tsayang nako e ntsi ba seka dikgang tsa go nna jalo. O kopile batsadi gape go emisa go rekela bana megala ya letheka ya madi a a kwa godimo, a tlhalosa fa bana ba tsaya nako e ntsi ba le mo facebook , selo se a supileng se ba itaya tsebe. Mongwe wa batsena phuthego, Mme Choopota Mashabile o supile fa bana ba masiela bangwe ba sa dirise dikarata tsa bone sentle ka ba rekela ba bangwe tse ba ditlhokang gore ba ba neele madi a e reng morago ba reke nnotagi ka one. Mme Princess Tumedi ene o kopile bomme ba bana ba basetsana go bua thata le bana ba bone ka ditlamorago tsa go ima ba sale baithuti. Morutabana wa tshidilo maikutlo le bokaedi, Mme Onalenna Edward o boletse fa ba nna ba kopana le baithuti ba basetsana ba na le baoki, ba boipelego gammogo le mongwe yo o kileng a ima e santse e le moithuti, maikaelelo e le go suga bana ditlhaloganyo mme maiteko a bone a itaya sefololetse ka dipalo tsa baithuti ba ba imang di golela pele ngwaga le ngwaga. Mme Edward o kopile batsadi go tla ka tharabolo mabapi le kgang e, a re go lebega fa go saletse kwa botsading ka ba ima ba le kwa malwapeng.Bokhutlo health 6 Rachele o ikaelela go itlhoma kwa setlhoeng gape Mothusa mogokgo wa sekole se sebotlana sa Rachele kwa Kanye, Mme Patricia Nkgelepang, a re ba eme malala a laotswe go sireletsa maemo a ntlha a ba a gapileng mo ditlhatlhobong tsa ngwaga o o fetileng tsa lekwalo la bosupa. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Nkgelepang a re ba gapile maemo a ntlha mo kgaolong ya Borwa ka masome a robabongwe le boraro mo lekgolong. O tlhalositse fa ba na le tsholofelo ya gore setlhopha sa monongwaga sa lekwalo la bosupa se tlaa dira fela jaaka sa 2014. Mme Nkgelepang a re maduo a mantle ao, ba a bone fa ba supologa mo go a masome a matlhano le bosupa ka 2013. Mme Nkgelepang a re sekole sa Rachele gape se ipela ka morutabana wa setlhopha sa lekwalo la bosupa sa ngogola ebong Mme Moratwe Ramantsima yo le ene a neng a fiwa tlotla ya morutabana yo o gaisitseng mo kgaolong ya Borwa. O tlhalositse fa lephata la thuto le ne la lemoga Mme Ramantsima morago ga seabe sa gagwe mo maduong a sekole seo a 2014, ka jalo lephata la bona go le maleba go mo phophotha legetla. Mme Nkgelepang a re le ngwaga ono gape ba ikaelela go ipoa seboaboane. A re se, se tlaa netefadiwa ke tshwaragano ya batsadi le sekole, barutabana ba ba ititeileng sehuba ga mmogo le baithuti ba ba nyoretsweng phenyo. Mme Nkgelepang o tsweletse a re tirisano e e popota ya batsadi le sekole e kgontsha sekole go itebaganya ka botlalo le dikgwetlho. education 4 Ngwana o kgonwa ke go tshwaraganelwa Go tlhoka tsebe ga bana mo dikoleng mo kgaolong ya Peleng Bophirima kwa Lobatse go bolelwa bo golela pele ka dipalo tse di tsitsibanyang mmele ka jalo go tlhokana le tshwaragano e e nitameng go tswa mo ba-tsaya karolong botlhe mo go tsa thuto. Se, se builwe ke Kgosi Mpaesele Itumeleng wa Peleng ka Laboraro jaaka ba ne ba le mo thuto-puisanong ya go sekaseka kwelo tlase ya maduo mo dikoleng gammogo le boitshwaro jo bo sa letlelesegeng jwa baithuti ka kakaretso. Kgosi Itumeleng o boletse gore ngwana ke kgetsi ya tsie o a tshwaraganelwa, jalo a kopa mongwe le mongwe go nna le seabe go itebaganya le seemo sa kwelo tlase ya maduo ka e le kgwetlho ya botlhe. O tsweletse a tlhalosa fa boitshwaro jwa bana mo dikoleng, kwa malwapeng le mo mebileng bo sa jese diwelang, a tlatsa ka gore bana ga ba ke ba nna le letswalo gore a go na le mogolo gaufi le bone. O supile fa go tlhoka kgalemo e e tseneletseng ya batsadi, tumelo e e amanngwang le ditiro tsa ga saatane le majalwa a a rekisiwang mo malwapeng e le tshoso e rweleng mo go rotloetseng boitshwaro jo bo maswe jwa baithuti. Fa a ntsha tekodiso, morutabana wa sekole se se botlana sa Hill School, Mme Tsholofelo Morwe o boletse fa ba tlhokisiwa boroko ke go tlhoka tsebe ga baithuti ka ba dirisa mafoko a a fatlhang e bile ba inaakantse le tsa marato ntswa dingwaga tsa bone di sale kwa tlase. Morutabana wa tsa bogakolodi le tshidilo maikutlo, Mme Oteng John o boletse fa baithuti ba sa tsene sekole ka ba sa fiwe tlhokomelo e e maleba kwa malwapeng e bile ba ikamantse le go tsena mo maratong le borre ba ba kgweetsang diteraka tsa megobagoba tse di tsamayang magareng ga Botswana le Aferika Borwa. A re bana ba ikamantse le ditiro fela tse di sa ageng motho jaaka go anya matlhapa le go ya marekisetsong bosigo ba kopa madi. Mme John o tsweletse ka gore ga gona tirisano fagare ga sekole le ba boipelego, gonne go na le bana ba itsholelo e e kwa tlase mme ga ba yo mo thulaganyong ya ba boipelego go thusiwa ka paka ya sekole. Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Boiki Mokgweetsi ene a re batsadi ga ba iphe sebaka sa go lekola tiro ya bana ya sekole gammogo le go tsena diphuthego. E rile a tsibogela dikgang tsa majalwa a a dirwang mo malwapeng, mogolwane go tswa kwa ofising ya sepodise sa Botswana, Inspector Boniface Setlabane, a bolela fa ba leka go lwantsha seemo seo mme a kopa gore yo o bapileng le ba ba rekisang majalwa, a ba itsese ba tle ba ba tseele dikgato tse di maleba. Mo go tse dingwe, Inspector Setlabane o gakolotse barutabana gore fa motsadi a ikgatholosa go tlhokomela ngwana o tshwanetse go itsese ba boipelego gore ba tle ba sekaseke kwa matsapa di a tsayang teng, mme fa go sena mabaka o tlaa isiwa kwa mapodising go lebisiwa molato go setswe morago ditshetlana dingwe go tswa mo molaong wa bana. O tsweletse a kopa gore ba begelwe ka diteraka tse go bolelwang baithuti ba nna kwa go tsone, a supa fa di sa tshwanela go ema gongwe le gongwe. Mokhanselara wa Peleng Bophirima, Mme Kearoma Mathara Moreeng o tlhalositse fa boitshwaro jwa bana bo tshosa ntswa e le bone bokamoso jwa lefatshe ka jalo a kopa baruti go rera lefoko la Modimo go sokolola baithuti mo mekgweng e e bosula eo. BOKHUTLO education 4 Puso e lemoga botlhokwa jwa kereke Mothusa tona wa lephata la thuto go tswa kwa moding, Rre Thato Kwerepe a re puso e lemoga seabe sa dikereke, bogolo jang tse di kwadisitsweng ka fa molaong. O buile jalo kwa moletlong wa go ipelela ngwaga wa kereke ya Word Worshippers After Christ mo Maun o o neng o patagane le go aba dikobo kwa kokelong ya Letsholathebe le ditilo kwa kgotleng ya Sedie le Samedupi bosheng. Mothusa tona, yo gape e leng mopalamante wa Ngami, a re dikereke dingwe di dirile tiro e ntle ka go simolodisa dikole tse dikgolwane jaaka Maun, Moeding le St Joseph’s College ka bonnye jo ba bo kgobokanyang. O ne a supa fa kokelwana ya Sehithwa le yone e agilwe ke kereke, a re seo ke seabe se se tona se puso e se lebogelang. O kgothaditse maloko a dikereke ka go farologana gore ba nne ba ntsha di-tsa bosome, a re ke tsone tse di ka ba kgontshang go diragatsa ditiro tsa kereke le go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. Rre Kwerepe o ne a lebogela kereke eo maiteko a yone a go aba mme le ene o ne a abela kereke eo P1 000 le kgomo. Mo go tse dingwe, mothusa tona o gateletse botlhokwa jwa go sala tsamaiso morago fa batho ba eletsa go bula dikereke go tila go kgopakgopetsena le puso. O rotloeditse gape dikereke go gogela bana mo tumelong gore ba seka ba kgatlhwa ke go dira dilo tse di sokameng, a tlhalosa fa gompieno dikole di aparetswe ke mathata a botlhoka tsebe jwa baithuti. O ne a supa fa temana nngwe mo Baebeleng e bua jalo gore ‘lesang bana ba tle go nna go nne bogosi jwa legodimo ke jwa bone’ a tlatsa ka go re ke ka moo go leng botlhokwa go godisetsa bana mo lefokomg la Modimo. Rre Kwerepe a re o dumela fa kereke e ka thusa go lwantsha botlhoka tsebe jwa baithuti mo dikoleng ka go ba fa dithuto tse di ba supegetsang lesedi. O kgothaditse batsena moletlo gore ka dinako tsotlhe fa go le thata, ba nne ba khubama ba lebisa matswenyego a bone kwa Modimong, mme a re ka go dira jalo ba tlaa bona tlharabololo. Fa a amogela baeng, moruti wa kereke, Apostle Eric Kuapara o ne a re go a itumedisa go bona ba kgonne go aba dikobo di le masome matlhano le ditilo di le masome mabedi. E re Motswana a rile ‘sejo sennye ga se fete molomo’, a re o dumela fa dimpho tseo di tlaa dira pharaologanyo e tona mo go ba ba di amogetseng. A re mo kerekeng ya bone ba ikgantsha ka go rera lefoko la Modimo le go supa lerato mo go ba bangwe. Motlhami wa kereke eo, Bishop Joseph Jacob o ne a supa ditso tsa kereke a re e simologile ka Moranang ngogola, mme se se mo itumedisang ke kgolo e e diragetseng. O gateletse botlhokwa jwa go tshwaragana ga dikereke a re seo se ka dira gore di kgone go fenya mmaba le go rarabolola dikgwetlho tse di wetseng tshaba eno. Bishop Jacob a re maikaelelo magolo a kereke ke go rera efangedi mo setshabeng le go obamela melao ya lefatshe leno ba sa lebale go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Setshaba se rotloediwa go ikanya Modimo E ne e le semphete ke go fete fa dikereke di kokoanetse kwa lebaleng la metshameko la Lobatse go rapela mmogo. Fa a amogela baeng, Kgosi Segale Letshele wa kgotla ya Peleng o ne a gwetlha setshaba go ipelela dikatlego tsa lefatshe leno le le simolotseng le sena le fa e le sepe mme ba eteleditse Modimo kwa pele. Kgosi Letshele a re ke ka ntlha ya boineelo le go dira ka bonatla jwa batlapele gore lefatshe leno le bo le dikaganyeditswe ke magosogoso a ditlhabololo le ka tlhotlholetso ya morafe go aga lefatshe. Le fa go le jalo, o ne a kgala a sa kgwe mathe ka fa botho jwa Batswana bo sa jeseng diwelang ka teng, mme a kopa setshaba go itsaya ka motlhala go bona gore ba fapogile fa kae. A re go le gantsi, bana ba tletse botlhokatsebe jo ka maswabi bo rotloediwang ke batsadi bangwe le mororo ba ka bo ba rotloetsa boitsholo jo bo letleleseganng mo baneng. Kgosi Letshele a re batsadi bangwe ba gweba ka ditagi mme ba di rekisetse bana ka jalo dilo tseo di ba ntshe mo sethong. O gwetlhile setshaba go inaakanya le mananeo a ga goromente go ka inamola mo lehumeng mme ba bone letseno le le siameng la madi go na le go gweba ka dilo tse di ka se ageng botshelo jwa nagwana wa Motswana. Mo go tse dingwe o ne a ba gwetlha go ema baithuti nokeng mo dithutong tsa bone gore ba tle ba tokafatse maduo a ngwaga o o tlang wa ditlhatlhobo. O ne a gwetlha dikereke le tsone go ema puso nokeng ka go gasa efangele e e tsepameng go ka aga setshaba eseng go se latlhisa tumelo ya nnete. Fa a tswa la gagwe, Moruti Gasennelwe o ne a gwetlha bakeresete go ikanya Modimo ka metlha yotlhe go ba golola mo mathateng a selefatshe. O gwetlhile bakeresete go kopana e le tsela nngwe ya go tlotlomatsa sebaka se lefatshe leno le se boneng, le se se filweng badumedi, go ka itlhophela tumelo e ba eletsang go e sala morago. A re lefatshe leno, le tshwanelwa ke go ka ipelela dingwaga tse di masome matlhano ka jaana, le dirile ka bokgabane go nna se le leng sone gompieno, go sena dikgoberego, le fa e le tshololo ya madi. A re boipuso jo bo maleba ka jaana, ke ka ntlha ya mautlwelobotlhoko a Modimo go bo go rena kagiso le thitibalo mo lefatshing leno. BOKHUTLO religion_and_belief 8 IEC e tlhatlhelela mapolotiki Ba ofisi ya ditlhopho kwa kgaolong ya Okavango ba tlhatlheletse mapolotiki ka seemo sa go segwa ga melelwane le matlhophelo a masha. Mogolwane wa dikgaolo tsa botlhophi tsa Ngami/Okavango, Rre Obabaletse Gaotsenelelwe o boletse gore go botlhokwa go kopanela baakanyetso yaditlhopho tsa ngwaga o otlang. Dingwe tse a di nankotseng ke matlhophelo a masha mo kgaolong le yone kgaoganyo ya melelwane. O rotloeditse mapolotiki a diphathi tse di farologanyeng gore go botlhokwa go bereke mmogo, le gone go kaetsa sechaba ka diphetogo tse di dirilweng tsa matlhophelo. Rre Gaotsenelelwe o tshwaetse gore kgaolo ya botlhophi ya bopalamente ya Ngami e na le mafelo a botlhophelo a le masome a boferabobedi le bongwe. O ile a kaya gore malatsi a go ikwadisetsa ditlhopho a tlaa simolola ka kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi a le mane go fitlhelela a tlhola malatsi a le masome a mabedi le bosupa. Mogolwane yoo o tlhalositse gore gape ba tla simolola go tshwara diphuthego e le gone go rerisa sechaba le gone go ba gakolola gore ba nchafatse ditlankana tsa bone tsa Omang nako e sa ntse e le teng. O kgadile mapolotiki a a reng a tshwarelela batlhophi dikarata ka a re ga go ka fa molaomotheong go dira jalo. E rile moemedi wa phathi ya kganetso ya Botswana National Front (BNF), Rre Moruti Mohora a tlhalosa fa ba amogela pego e mme e tlaa ba thusa thata ka bana le pego e e tletseng ya nnete. O boletse gore ba tlaa simolola go ipapatsa sentle. Mongwe yo o mo komiting ya kgaoganyo ya melelwane a tswa kwa lekalaneng la bana le bogole la Sekgele Rre Gosalamang Xaa o ile a gakolola baemedi ba diphathi tsa kganetso gore go bereke sentle ntswa e le diphathi tsa kganetso go tlaa thusa gore molaetsa o goroge kwa sechabeng ka kagiso. Phuthego e e ile ya fela ka lekoko le le tsamaya le bona matlhophelo a masha le kgaoganyo ya melelwane. Bokhutlo politics 7 Go etsa ba bangwe ga go ntshe maduo Mogolwane wa ofisi ya banana kwa Sebina, Mme Malebogo Tlale, a re banana kwa motseng oo, ba itsapa go akanya segolo jang fa go tla mo go reng ba batla go dira dikgwebo tsa mofuta ofe. A re bontsi bo dira ka gore semangmang le ene o dira se. Mo potsolotsong bosheng, Mme Tlale o supile fa dikgwebo tsa banana ka bontsi e le selo sele sengwe. A re banana ba tshaba go dira dikgwebo tse di pharologanyo ka jalo ba felela ba lela ba re ga go na mmaraka, tse dingwe di felele di phutlhama ba palelwa ke go di tsamaisa ka di a bo di tletsetletse. O tlhalositse fa lephata la Go fa Banana Dithata, Metshameko le Tlhabolo ya Ngwao le eme nokeng dikgwebo tse dintsi tse e leng gore banana ba ka di dira e seng dipodi le merogo fela. O ne a rotloetsa banana go akanya mo go tseneletseng, segolo jang dikgwebo tse di ka ithekisang e bile di tlhokega thata mo mmarakeng. Mongwe wa banana go tswa kwa motseng wa Nshakashogwe, Rre Tabona Jopi yo o dingwaga tse di masome a mararo le bobedi a re o lemogile fa banana ba itlhaganelela go kopa dithuso tsa madi ba sa ikakanya mo go tseneletseng gore ba batla go tsena mo dikgwebong dife, a supa fa bangwe ba dira dikgwebo ka gore ditsala le masika ba a di dira, ba sa lebelele gore bokgoni jwa bone bo fa kae. O tsweletse ka gore banana ba tshwanetse go dira dipatlisiso tse di maleba, ba lebile gore ba rata eng e bile ba kgona go dira eng, ba sa lebale le lone letlhoko mo kgaolong ya bone. Rre Jopi o tsweletse ka gore ene o na le dingwaga tse pedi a ikakanya ka kgwebo ya gagwe ya tsa maranyane le gone gore e ka sologela banni ba motse wa gagwe le e e mabapi molemo jang a sa lebale le tsone dipoelo. O tlhalositse fa a lemogile gape fa banana ba tshaba dikgwebo tse o akareng di tlhoka gore motho a akanye thata, e bile di gwetlha, mme ba rata tse di motlhofo tse di ratwang ke mongwe le mongwe. O tlhalositse fa go ka bo go ne go le botoka fa e ne e ka re fa yo mongwe a tsere lenaneo la dipodi, tsala yone e bo e dira marekisetso a nama gore ba kgone go thusana ka tsa mmaraka. A re o solofela fa kgwebo ya gagwe e tlaa kgatlha ba le bantsi, mme ba fetole megopolo le dikakanyo tsa bone, bangwe ba tlaa felela ba ntsha le ga tshwene mo ba ntseng ba go fitlhile. E rile a tswa la gagwe, Rre Keobokile Bakani yo o dingwaga tse di lesome le boferabongwe, a tlhalosa fa ba le boitseme thata segolo jang fa go tla mo go tsa ipapatso le dipatlisiso tsa go bona gore ke efe kgwebo e e ka dirang bontle mo kgaolong ya bone. A re bontsi jwa banana ba rata go rerisana pele gore a reyeng go dira kgwebo e, go se ope yo o ikakanyetsang, mme motse o felele o tletse ka kgwebo ya mofuta o le mongwe le ntswa go na le letlhoko le lengwe. Mo go tse dingwe, mogakolodi wa tsa kgwebo go tswa kwa lekalaneng la Local Enterprise Authority (LEA), Rre Joseph Mojewa o supile fa maikaelelo magolo a bone e le go thusa bagwebi ka tsa bogakolodi le dithutuntso ka ditsamaiso tsa dikgwebo. E rile a bua kwa bokopanong le bagwebi ba motse wa Sebina, Rre Mojewa a re ba ikaeletse go tsamaya le kgaolo ya bone go rotloetsa banana gore ba dire dikgwebo ba seka ba re ba emetse go thapiwa ke puso ka ditiro di le thata go bonwa. O ne a supa fa seemo se se ngomola pelo segolo jang morago ga go tswalwa ga moepo wa kopore wa toropo ya Selebi Phikwe, ka jalo a supa fa go itirela kgwebo e le yone fela tsela e e botoka go ithusa ga mmogo le gone go tsholetsa itsholelo ya lefatshe la Botswana. BOPA economy_business_and_finance 3 Pitso o inosa nkgo ka go thuba mantswe E le ruri Motswana o buile fa a re motlhophantsi ke yo o kgorang. Se se supilwe ke Rre Mere Pitso yo o itshetsang ka go thuba mantswe kwa Samedupi a a dirisiwang mo go tsa kago. Mo potsolotsong bosheng le ba BOPA, Rre Pitso o kaile fa go dira ka natla le go sa tlhopha ditiro go mo ntshitse mo lehumeng le a kileng a bo a le mo go lone. “Ke kile ka bo ke jesiwa jaaka ngwana yo monnye le bongwanake, mme morago ka bona fa ke tshwanetse go ititaya ka thupana go fetola botshelo ja me,” a tlhalosa. Rre Pitso yo o dingwaga di masome mane le botlhano, yo o tlholegang mo kgotleng ya Mabudutsa mo Maun o ne a supa fa seemo se ne sa mo pateletsa go fudugela kwa Samedupi. A re o ne a simolola go thuba majwe ka ngwaga wa 2003, mme a bona fa kgwebo e tswelela sentle, a felela a e kwadisitse ka leina la Kotopikotopi. O tsweletse ka go tlhalosa fa a rekisa kiribane e le nngwe dipula tse masome a mabedi le botlhano, fa koloi e kgolwane e le makgolo a marataro a dipula. Tiro e kgolo e, o e kgona ka go dirisa hamole e a saleng a e rekile fa e sale a simolola kgwebo ya gagwe, digalase tse di sireletsang matlho le diatlana. Go supa fa kgwebo e e ne e na le letseno ka Rre Pitso a ne a felela a reka dikgomo le dipodi, tse gompieno di atileng e bile a ka bidiwa morui. Go sa felele foo, o kaile fa a tsenya bana ba gagwe sekole ka one madi a go thuba mantswe. E re le fa go ntse jalo, Rre Pitso ga a jesiwe diwelang ke letlhoko la sepalamo se a ka isang mantswe a a rekiwang ke batho. O kaile fa ka ngwaga wa 2005 a ne a kopa dithuso kwa go ba CEDA mme a itaya se fololetse ka ntlha ya ditsetlana dingwe tse di ne di tlhokafala. Mme ka a ne a sena setsha le fa e le yone kgomo a seka a atlega. A re ka jaanong dikgomo di le teng o eletsa go boela kwa go ba CEDA go atolosa kgwebo ya gagwe. Se se ka mo baya mo seemong sa go thapa badiri ba ba ka mo thusang le go fokotsa letlhoko la ditiro. Rre Pitso o kgothatsa bao ba ba ntseng mo malwapeng ba sa dire sepe go ikemela ka dinao ba dira sengwe se ba ka se kgonang go itshetsa. A tswelela ka gore batho ba emise go tlhaola ditiro. O rotloeditse le bao ba ba leng mo dikgwebong tse dipotlana go nna pelotelele le lorato mo dikgwebong tsa bone ka go ka ba ntsha mo lehumeng. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Ba Lecheng ba rotloeditswe go lwantsha kgotlholo e tona Mooki mogolo kwa sepateleng se se potlana sa Palapye, Mme Sekani Chikunyana a re setshaba se tshwanetse go tlhabantsha bolwetse jwa kgotlholo e tona gore bo seka jwa anama. Fa a bua kwa letsatsing la ithutuntsho ka kgotlholo e tona kwa Lecheng ka Labobedi, Moranang e rogwa, Mma Chikunyana o tlhalositse fa kgotlholo e tona e sa tshwanela go gapa matshelo a batho ka ea alafesega. A re go fitlhelela bao ba ba amilweng ke bolwetse jo, le go bo emisa, go botlhokwa go godisa le go oketsa mananeo a kgotlholo e tona segolo bogolo mo go ba ba mo diphatseng jaaka bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano, ba ba tshelang ka mogare wa HIV/AIDS, le ba ba nang le mogare wa kgotlholo e tona o o palelang dipilisi ga mmogo le bao ba ba mo mafelong a a kgotlhaganeng jaaka dikolo, dintsho le kwa ditirong. Le fa go ntse jalo, Mma Chikunyana a re ba botsogo ba santse ba nale kgwetlho ya gore batho bangwe ga ba ntshe sehuba le mororo go belaesega bana le mogare wa kgotlholo e tona. A re, puso e tsile ka mananeo a masha a dirisiwang go goga segotlhola mo baneng ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano, a tlatsa ka gore go nale mothale o mongwe o mosha oo dirisiwang go tlhatlhoba kgotlholo e tona. O tsweletse ka gore bolwetse jwa kgotlholo e tona bo anama ka phefo, ka jalo go tshwanetse go netefadiwa gore phefo e e hemiwang ke batho e phepa. O rotloeditse gore go bulwe matlhabaphefo mo bookelong, dipalamo tsa setshaba, kwa malwapeng le matlo a borutelo. A re, go tlhatlhoba ba ba amaneng le molwetsi jwa kgotlholo e tona ke nngwe ya ditsela tse di botlhokwa go lwantsha bolwetse jo. A re, go nale lenaneo le le dirisiwang la go fa balwetse dipilisi kwa lwapeng, le e leng gore molwetse o ka fiwa dipilisi ke lesika, tsala kana moithaopi. O tladitse ka gore lenaneo le, le fokotsa go ema lebaka mo dikokelwaneng. Mma Chikunayana a re,kalafi ya kgotlholo e tona ke dikgwedi tse thataro kana go feta mme dikai tsa bolwetse jo ke go gotlhola lebaka la beke tse pedi le go feta, go gotela, go fufula bosigo le go latlhegelwa ke nama. Fa a tswa la gagwe mongwe wa ba ba amilweng ke bolwetse jo Rre Kabelo Marepi, o rotloeditse banni ba motse wa Lecheng go ikemela ka dinao ka gore bolwetse jo bo a fola. A re, fa motho a tshwerwe ka mogare wa kgotlholo e tona, ga a tshwanela go tsamaya thata go babalela ba bangwe gore mogare o seka wa anama.Banni ba gakolotswe go ikgapha mo bojalweng le motsoko fa ba tsaya kalafi. BOKHUTLO health 6 Kgwebo e batla tlhokomelo Mogolwane wa ofisi ya tsadiso le tlhabololo ya leruo kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Kgang Mongale, o kgothaditse banana go tlhokomela dikgwebo tsa bone. O ne a bua mo thuto puisanong e e neng e rulagantswe ke ba ofisi ya banana ya Letlhakeng mme e tshwaretswe kwa Mantshwabisi mo bosheng. Rre mongale o tlhalositse fa go lemotshegile gore banana ba kgaolo eo ba rata kgwebo ya thuo thata, a supa fa thuo e tlhoka gore morui ka nako le nako a bo a le kwa madirelong, o bile a kopa banana ba ba neng ba tsene thuto puisano eo gore leruo le ba eletsang go le rua le bo le kgona go tshela mo tikologong e ba nnang mo yone. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa gore lephata la bone le bona go sa lekana gore banana ba thusiwe ka madi fela mme le dithuto di a tlhokega ka go nne dikgwebo tsa banana ka bontsi di felela di phutlhame ka ntlha ya go tlhoka kitso ya go tsamaisa dikgwebo kana lerato mo dikgwebong tse ba di kopileng mo ba lephateng la banana. Rre Lentswe Motsamai wa lephata la dikgang tsa bong kwa Gaborone, a supa fa lephata le le neng le itsege fa le emetse bomme pele, le fetotswe mo bosheng go emela Motswana mongwe le mongwe, go itsa go gogela kobo ntlha e le nngwe . O tsweletse ka go tlhalosa fa le bone ba ikiteile sehuba go thusa Batswana ka madi gore ba ipulele dikgwebo gore ba intshe mo lehumeng le le aparetseng lefatshe leno. O ne a tlhalosetsa banana fa lekalana la bone le thusa Batswana ba ba ipopileng ditlhotshwana tsa batho ba ba sa feteng botlhano ka madi a kana ka P250 000 mme ba sa solofelwe go a busa. O supile fa lekgotla la bone le ikaeletse go ntsha Batswana ka kakaretso mo lehumeng, o tlhalositse fa lekalana la bone le rotloetsa thata go dira ka diatla bogolo jang temo thuo, o bile a supa fa ba thusa bagwebi ka go ba batlisa kwa ba rekisang dithoto tsa bone teng le go ba kopanya le ba ba setseng ba le mo dikgwebong jaaka go ba isa kwa ditshupong tse di tshwarwang ngwaga le ngwaga gore ba kgone go tseya malebela le maele mo go bone. Mogolwane wa ofisi ya ba kabo ya dithendara le tsamiso ya madirelo, Rre Benjamin Kabomo a tlhalosetsa banana fa ba tshwanetse go kwadisa dikgwebo tsa bone gore ba kgone go thendara mo khanseleng. O rile go kopa ditiro mo khanseleng, ke bontlha bongwe jwa go ka godisa dikgwebo tsa bone. E rile a tswa la kgothatso, a kopa banana go tsena mo dikgwebong ba ititeile sehuba ka go nne kgwebo e tlhoka nako e ntsi e bile e tlhoka bopelotelele. O bile a ba kopa go tlhopha kgwebo e ba ka kgonang go e tsamaisa e bile ba na lorato mo go yone e seng ka gore o bona tsala e le mo go yone. economy_business_and_finance 3 Kwelotlase ya palo ya balemi e a tshwenya Molemisi wa Chanoga kwa kgaolong ya Ngamiland, Rre Lerry Gunda, a re o tshwenngwa ke palo ya balemi e e welang tlase ngwaga le ngwaga kwa motseng oo. Rre Gunda a re kgotlhang ya diphologolo tsa naga le batho e ka tswa e le yone e bakang kwelo tlase e. O buile se kwa thuto puisanong ya go rutuntsha ka go tshela le ditlou e e neng e rotloeditswe ke lekgotla la Omogolo Trust kwa Chanoga bosheng. Rre Gunda a re dipalo tsa balemi di ne di le 200 ka ngwaga wa 2016, mme tsa fokotsega go nna 168 ka ngwaga wa 2017, mme mo ngwageng eno go lemile balemi ba le 116 fela. A re tshenyo ya ditlou le yone e oketsega ngwaga le ngwaga, fa balemi bangwe ba jelwa temo e ise e butswe, mme a re seo se ka tswa se kgoba balemi bangwe marapo. Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Oatleng Setlhodi wa Chanoga o ne a tlhalosa fa maikaelelo a bokopano joo ele go tsibosa banni ba Chanoga ka ditlou le gore baka tshela jang le tsone. A re ba laleditse ba ba tsheleng le ditlou tsa palo ee ko godimo go na le tse ba tshelang le tsone kwa Chanoga. Le fa go ntse jalo, Kgosi Setlhodi a re go botlhokwa gore banni ba Chanoga le metse ee mabapi ba nne le kitso ya go tswelela ba tshela le ditlou le go itshireletsa. Mme Gakethusiwe Katholo wa Mawana o ne a lebogela thuto se puisano eo, a re ditlou ga di ba tshedise sentle ka dija dijwalo tsa bone le go bolaya batho. Rre Gaditshwane Kgantele ene o ne a re ga a dumalane le dithuto tseo tsa gore gotwe ba agisanye le ditlou. Rre Kgantele a re ditlou di baka tshenyo e kgolo mo dijwalong tsa bone le diterata tsa masimo, mme a re tlharabololo e ka nna ya gore di hokotswe ka go hulwa eseng go agisanya le tsone, ebile a re lephata la diphologolo le diega go ba atswa fa ba begile dikgetsi tsa tshenyo ya diphologolo. Fa Rre Ohitiseng Mosupi wa mokgatlho wa Eco Exist ene o ne a re dithuto tseo di tlaa sologela banni ba Chanoga molemo ka ditlou ke gone di simololang go anama le kgaolo ya bone. Rre Mosupi a re kwa kgaolong ya Okavango kwa moseja wa noka e tona ya Okavango, palo ya ditlou e feta ya banni ba metse ka palo ya dikete tse pedi, a re ditlou di 18 000 fa batho bone ba le 16 000. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Neelano e botlhokwa Kgosi Otsile Ketshotseng wa kgotla ya Maenjane kwa Tutume a re go nna le mowa wa neelano ke selo se se botlhokwa thata mo bathong. E ne ya re a bua mo potsolosong, Kgosi Ketshotseng a tlhalosa fa mowa wa neelano o tlhokega, bogolo jang ka bontsi jwa batho mo motseng itsholelo ya bone e le kwa tlase. O tlhalositse fa Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama aleka go nyeletsa lehuma mo lefatsheng mme Motswana mongwe le mongwe a tshwanelwa ke go tsenya letsogo go thusa. O boletse fa a sa jesiwe diwelang ke batho ba ba sa batleng go thusa ba masika a tlatsa ka gore batho batshwanetse go ithuta go kgaogana se ba nang naso le babangwe. O ne gape a bolela fa a utlwisiwa botlhoko ke batho ba ba sailang mo mebileng ba sa bereke ba inaakantse le majalwa. “Puso e dira ka bojotlhe go tokafatsa matshelo a batho mme le rona re tshwanelwa ke go tsenya letsogo. “Lesang go dikologa le meriti ya ditlhare le tsene mo dijarateng le batle ditiro,” ga bua Kgosi. Kgosi a re banana ba tshwanetse go inaakanya le mananeo a a tlhomilweng ke puso gore ba ikinole mo lehumeng ka one. A re ba tsee malebela mo go ba ba setseng ba bone thuso ka ba tlhabolotse matshelo a bone. Bokhutlo society 9 Go sa tlhabolole ditsha go a tshwenya Modiri wa lephata la kabo ditsha la Letlhakeng, Rre Solly Phetolo o supile fa ba sa itumedisiwe ke ditsha tse di tsayang lebaka le leleele di sa tlhabololwe kwa Khudumelapye. Rre Phetolo o buile seo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke ba lephata leo ka Labobedi kwa Khudumelapye. O tlhalositse fa go sa tlhabolola ditsha ga banni ba motse oo go sa ba berekise sentle ka ba fitlhela ba baya ditsha tse disha mo godimo ga tse di teng ka go sena bosupi bo tshwana le mekono le dilaene. Rre Phetolo o supile gape fa basa itumedisiwe ke bangwe ba ba phuntseng didiba tsa nosetso merogo mme ba bo ba sa di dirise tiriso ya tsone. O supile fa lephata le tlaa tseela ba ba dirang jalo dikgato. O tsweletse ka go tlhalosa fa setsha se fiwa beke tse thataro go tlhabololwa, mme go fetisa sebaka seo setsha seo se ka amogiwa sa bewa mongwe. Mongwe wa banni ba motse o Rre Jobe Kgotlhang o kopile ba lephata la kabo ditsha go latedisa gore a batho ba dirisa lefatshe se ba neng bale kopela sone. Bokhutlo society 9 Mmuso o abetswe P33 million Mogolwane wa lephata la banana, metshameko le ngwao a lebagane le metlobo ya dibuka mo kgaolong ya Legare, Mme Keseitse Same a re lefatshe la Amerika le abetse la Botswana madi a a fetang P33 million go dirisiwa mo go tokafatseng seemo sa tsamaiso metlobo ya dibuka le go reka dibalamakgolo. Kwa letsatsing la go simolodisa lenaneo la Sesigo kwa Kalamare bosheng, Mme Same a re maikaelelo le maikemisetso a lephata la gagwe ke go itebaganya le go ruta Batswana go itse go bala le go kwala gammogo le go ba neela dikitso tse di tseneletseng gore e bo ele tshaba e e rutegileng ka 2016. Mme Same o boletse fa go ithuta go bala le go kwala, tiriso ya dikhomputara le maranyane a segompieno go ka tlhabolola matshelo a Batswana le go baya lefatshe leno mo maemong a go gaisana le a mangwe mo go tsa papadisano jalo go imolole Batswana go latela ditlamelo tsa go nna jalo kwa ditoropong. A re kgaolo ya Legare e na le metlobo ya dibuka ele lesome le botlhano le mafelo a batho ba ithutelang go bala le go kwala mo go one ale lesome le bobedi mme a kopa banana le bagolo go tsenelela lenaneo la Sesigo gore ere ka 2016 bontsi jwa Batswana ba bo ba kgona go bala le go kwala gammogo le go dirisa dikhomputara. Mongwe wa lekgotla la Botswana Community Based Network, Rre Douglas Lecholo o kgothaditse banni ba Kalamare go inaakanya thata le go ithuta tiriso ya dikhomputara le inthanete gore ba kgone go tokafatsa ka fa ba ntseng ba tshela ka teng. Rre Lecholo a re le ntswa puso e na le mananeo a mantle e bile e na le bodiredi jo bo rutetsweng tiro sebe sa phiri ke gore e retelelwa ke go diragatsa mananeo ao ka jaana a sa tsamaelana le dikeletso tsa batho ba metse eo. A re gore metse ya magae e gatelepele mo ditlhabololong ke fa puso e ka neela batho tshwanelo ya go ikakanyetsa ditlhabololo tse di ka dirwang mo dikgaolong tsa bone go na le gore puso ka bo yone e sekaseke ditlhabololo tse di ka direlwang batho ntswa ba sena keletso le kgatlhego mo go tsone. A re fa go na le tirisano mmogo ya dikomiti tse di farologaneng mo motseng e akaretsa ya ditlhabololo tsa motse, ya batsadi le barutabana, ya botsogo, ya badirelapuso ya balemi barui gammogo le ya twantsho borukuthi, ditlhabololo di ka tswa tema fela thata mo dikgaolong tsa lefatshe leno. Rre Lecholo o tsweletse a kgothatsa Batswana go somarela meamuso ya ditsa tlholego mo tikologong ya metse ya bone ka ele tsone di ka ba tsenyetsang madi ka bajanala ba ba etelang kwa metseng ya bone go di bona. O kopile batsadi go ruta bana ka ditso le ditiragalo tsa bogologolo le di dirisiwang tse batho ba neng ba di dirisa di tshwana le megoma, dijokwe, dikei le matlalo a a sugilweng a a neng a dirisiwa go sega kapari ya bogologolo. BOKHUTLO education 4 Baithuti kwa Lerala ba dule mo taolong Bogogi jwa dikole tsa motse wa Lerala jwa re ga bo itumedisiwe ke boitshwaro jwa bana ba ba tsenang mo dikoleng tsa motse oo. Fa ba bua kwa phuthegong e e neng e tshwerwe go rerisanya le bogogi jwa motse ka tse di amang thuto mo motseng wa Lerala bosheng, ba boletse fa bana ba dikole ba setse ba dule mo taolong gotlhelele ka jalo ba bone go tshwanela go tshwaraganela se le bogogi jwa motse. Morutabana yo o itebagantseng le go betla boitshwaro jo bontle mo baneng kwa sekoleng se segolwane sa Lerala, Rre Jimmy Rampape, o boletse fa mo sekoleng sa gagwe go setse go dule bana ba sekole ba le masome a mabedi fa e sale ngwaga ono o simologa. A re mo baneng bao, go na le bana ba basetsana ba ferabobedi ba ba duleng mo sekoleng ntateng ya boimana fa ba le lesome le bobedi ba dule mo sekoleng go sena mabaka ape. A re bana ba ba duleng mo sekoleng ntateng ya boimana ba akaretsa ba ba dirang mophato wa ntlha go ya kwa go wa boraro. Rre Rampape a re go ngomola pelo ka bana bao e le ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro mme ba le babedi mo go bone ba le dingwaga di le lesome le boraro. A re mo baneng ba ba tlogetseng sekole, go ne ga dirwa maiteko otlhe a go ba busetsa mo sekoleng mme ga retela. A re batsadi ba bana bao ba ne ba latelwa go buisana le bone mme fa gongwe ba felele ba isiwa kwa go bommaboipelego mme ga pala. Rre Mpape a re se se utlwisang botlhoko, bangwe ba bana bao ba kgona go fitlhelwa ke barutabana ba na le batsadi ba bone ba bereka mo lwapeng mme batsadi ba sa ba rotloetse go ya sekoleng. Ka jalo a re motsadi ga a tshwanela go laolwa ke ngwana mme o tshwanelwa ke go bontsha ngwana tsela ya boammaaruri. A re gobo batsadi ba kgona go nna fela le bana mo lwapeng ba sa ba rotloetse go ya dikoleng go ne ga ba tlama e le bogogi jwa dikole go buisanya le bogogi jwa motse. A re bontsi jwa batsadi ga ba tsenye letsogo mo dithutong tsa bana ba bone ka bontsi jwa nako ga ba tle bokopanong jwa batsadi le barutabana. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa bothata jo bongwe jo ba tshwaraganeng le jone e le jwa go dirisa matlhapa thata ga bana ba sekole. A re ba tsaya nako e ntsi ba letlanya kana ba kgalema bana ntateng ya go dirisa matlhapa ka jalo o ne a ikuela mo batsading kana batlhokomedi ba bana gore fa ele gore ba atle ba dirise matlhapa, ba tile go a dirisa fa pele ga bana ka ba ithuta mo go bone dilo ka bontsi. Fa a bua ka dikole tse dipotlana, mogokgo wa sekole se sebotlana sa Lekadibeng mo Lerala, Mme Phorego Motsokono, o boletse fa ba itemogetse fa bana ba lekwalo le le kwa godimo ba sena keletso gotlhelele mo dithutong tsa bone. A re ba itemogetse gape gore batsadi ga ba thuse go leka go busetsa bana mo taolong, ka e a re fa ngwana a dirile phoso kwa sekoleng, ntateng ya gore batsadi ba tshwaragane le barutabana go kgalema bana, ba nna ka fa letlhakoreng la bana mme ba tshwae barutabana phoso. A re bontsi jwa bana ba nna ba le nosi, ka nako e ntsi batsadi ba a bo ba le kwa masimo fa bangwe ba direla kwa dipolaseng, a tlhalosa fa seo se ama thuto ya bana fela thata. Fa a ntsha la gagwe mogokgo wa sekole sa ithutelo ditiro tsa diatla sa Tswapong Bokone Brigade, Rre Cornelius Matlhare, o boletse fa sekole sa gagwe le sone se wetswe ke seru sa go tlhoka tsebe ga baithuti. A re ba itemogetse fa bontsi jwa baithuti kwa sekoleng sa gagwe ba kgona go fetisa malatsi a le mantsi ba sa tsenelele dithuto mme ba le teng mo motseng wa Lerala. O boletse fa bangwe ba felela ba tlogela sekole go sena mabaka ape mme ba bangwe ba itshiela dino phetelela fa bangwe ba goga metsoko e mo dinakong tse dingwe ba kgonang go nna le dipelaelo tsa gore ba e tlhakanya le ditagi di tshwana le motokwane. O ikuetse mo batsading go tshwaragana le barutabana go tsenya bana mo taolong. BOKHUTLO education 4 Khan o ikuela mo batsading Mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Mahommed Khan, o kgothaditse batsadi go supa kgatlhego mo thutong ya bana ba bone. Mopalamente, yo a neng a bua mo diphuthegong tsa kgotla mo dikgaolwaneng tsa Borakalalo, Phalane le Garanta mo bekeng eno, a re batsadi ba latlheletse thuto ya bana le ntswa e le bone ba nnang nako e ntsi le bana kwa malapeng. A re bontsi jwa bone ga ba ke ba leba dibuka tsa bana go bona gore a ngwana o dira sentle. A re batsadi ga ba a tshwanela go supa barutabana ka monwana fa bana ba sa dire sentle mo dithutong tsa bone. Mopalamente a re go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana ke gone mo go ka dirang gore batsadi ba nne gaufi le bana. Mo go tse dingwe, mopalamente o ne a supa fa a itumelela ditiro tsa ditlhabololo tse di akaretsang maemelo a masha a dipalamo tsa setshaba, ditsela tse di tshetsweng sekonotere mo kgaolong ya Borakalalo le ntswa a re ga go a lekana a re ditlhabololo di tshwanetse tsa tsamaelana le matshelo a batho. Mo diphuthegong tseo, batho ba ne ba ngongorega ka botsamaisi jwa kokelo ya Scottish ba re ga ba dire mo go lekaneng go thusa batho ka bofefo. Mme Senkepeng Itumeleng ene o kopile puso go akanyetsa balwetse ba sukiri ba matshelo a bone a sa ntseng a le kwa tlase go sekwa sekwa gore le bone ba phakisiwe dijo. Kwa kgaolwaneng ya Garanta batho ba ngongoregile ka koporase ya motlakase gore e bonya go ba gokelela motlakase mo malwapeng. Rre Oadisa Gaelebale a re ga ba robadiwe ke beng ba diteraka baba epang mmu o o agang mo kgaolong eo e se kafa molaong mo e bileng ba setseng ba epile lefuti le le borai mo matshelong a bana. A re se se ngomolang pelo ke gobo mapodisi ba seke ba tsiboga fa ba ikuela ka tiragalo eo. Ba ngongoregile gape ka koporase ya metsi ya Water Utilities gore e tsaya nako e telele go ba tshelela metsi mo ditankeng tse di ba nosang. Fa a tsibogela dingwe tsa dilelo tsa bone mabapi le bodiredi ja kokelo, mopalamente o ne a bolelela batho mo diphuthegong tseo fa ba kile ba ikopanya le bodiredi jo bogolwane jwa Scottisheo, mme a solofetsa fa ba tlaa ikgata motlhala ka jaana go lebega fa go sa ntse go na le dilo tse di sa dirweng sentle . education 4 Ba Ramotswa ba kopiwa go somarela thothi Batswana ba kopilwe go somarela metsi a a leng teng, le go a dirisa ka kelotlhoko fa ba sa ntse ba letile gore Ramasedi a ba gopole ka pula. Mafoko a, a boletswe ke Kgosi Mosadi, jaaka a ne a amogela baeng kwa kgotleng , fa go ne go tswalelwa kgwedi ya merapelo ya HIV/AIDS. Kgosi Mosadi o kopile Batswana go tswelela ba rapedisa makoa, go rapelela boipuso jwa lefatshe leno, ditlhopho tse di gololesegileng tsa setshaba le gone go tswelela ba rapelela pula. O tsweletse a ba kopa gore ba somarele metsi a leng teng ka jaana letamo la Gaborone le kgala, a bo a supa fa metsi a didiba le one a tlhoka go somarelwa ka gore ba ikantse pula go a oketsa. O supile fa kgwedi e Botswana a ipelela boipuso jwa dingwaga tse di masome a mane le borobabobedi, mme go le botlhokwa gore badumedi ba tshwaragane ka e le ba ga Keresete botlhe. O ile a kopa Batswana go iphapa kgatlhanong le malwetse otlhe jaaka jo bo tlhagogileng kwa mafatsheng a bophirima jwa Afrika jwa Ebola, a kopa botlhe go obamela molao wa gore ba seka ba nama ba etetse mafatshe ao. O supile fa bolwetse jwa AIDS bo ganyaotse batho ba lefatshe leno, ka jaana bangwe ba ne ba tshwara balwetse ka diatla ba sa tsenya diatlana, ka ntlha ya gore ba ne ba sa batle go bifela balwetse, mme a supa gore fa bolwetse jwa Ebola bo ka tsena ka kgoro ya lefatshe leno, e ka nna selelo le khuranyo ya meno ka jaana Batswana ba le palo potlana. Kgosi Mosadi o supile fa malwetse a mangwe jaaka jwa go swa mhama a bakwa ke go ja mafura le letswai le lentsi, a bo a supa fa go rapela Modimo go le botlhokwa e bile go tsamaisana le go itlhokomela. O kopile Batswana go iphemela mo dikotsing tsa tsela, a supa fa go ipabalela go le botlhokwa go gaisa go alafa. Fa a lekodisa ka seemo sa mogare mo kgaolong, mogolwane kwa ofising ya AIDS mme Tuelo Chibana, a tlhalosa fa seemo se oketsega ka jaana e rile ka ngwaga wa 2008 mogare wa bo o tsamaya kwa go 17.6%, mme ka ngwaga wa 2013 dipalo di tlhatlogetse kwa go 18.5%. O tlhalositse gape fa dipalo tsa kanamo ya mogare o mosha lefatshe lotlhe ka ngwaga wa 2008 di ne di tsamaya kwa go 1.45%, mme tsa fokotsega go se nene ka ngwaga wa 2013 ka 1.35%. O supile fa kanamo ya mogare o mosha e oketsega mo kgaolong ya Borwa Botlhaba, a supa fa e rile ka 2008 ya bo e ne e le 12.6% fa ka ngwaga wa 2013 e tsamaya kwa go 16.6%. O boletse gape fa batho ba dingwaga tse di masome a mararo go ya go tse di masome a mararo le bone e le bone ba amegileng thata, borre ba tsamaya fa go 47.3% fa bomme e le 40.3%. Mme Chibana o supile gape fa ba tshwenngwa ke go ima ga banana, go ima ga batho ba ba tshelang ka mogare kgapetsakgapetsa le go oketsega ga malwetse a tlhakanelo dikobo mo kgaolong. O boletse fa go nwa bojalwa phetelela go na le seabe mo go tlhokeng go tsaya boikarabelo. Bokhutlo health 6 Kgosi o kgala go bimpa mpa ka mabele Kgosi wa Semboyo mo kgaolong ya Nhabe a re ba tshwenngwa thata ke seemo sa borukutlhi se se golelang pele mo kgaolong eo, mme e bile go supega fa botsadi bongwe bo santse bo bipa mpa ka mabele. Kgosi Rre Bogaisang Lelatlhego o buile jalo kwa thuto puisanong e e neng e tshwerwe kwa motsaneng wa Maila ke ba sepodise le maloko a motse wa Semboyo ya go bona gore borukutlhi jo bo mo kgaolong eo ba ka bo lwantsha ka tsela e e ntseng jang. A re motsana wa Maila o tshotse borukutlhi jotlhe fela jo motho a ka bo gopolang, a re bane ba thulanya ditlhogo mme ba bona gore thuto ke yone konokono e e kareng le morago ga yone batho ba supa gore a ba ne ba e tlhoka kana ba dira ka maikaelelo. O tsweletse a re borukutlhi ke lefoko le le akaretsang tsotlhe tse di bosula mme a re jwa leruo jone ke kgaolo yotlhe ya Ngami, mme a re se se botlhoko ke gore ga ba tshwarwe gore ba ba setseng ba nne le Poifo. Kgosi Lelatlhego a re o itumelela fela gore dingwaga tsa dikatlholo tsa badira melato, segolo jang ya bogodu jwa leruo di okeditswe go tswa mo go botlhano go ya kwa go bosupa. A re batho ba tshwanetse go tshwarwa gore leruo le sale le nna le nako ya go tsala, a re mme tumelo ya gagwe ke gore fa metse yotlhe e ka ema ka dinao mongwe le mongwe a nna Lepodisi, gongwe seemo se ka tokafala. Kgosi Rodgers Marumo, yo ebileng e le mookamedi wa di cluster mo kgaolong a re puso e tshwenyegile thata ka borukutlhi mme ya dira lenaneo la di cluster go lwantsha borukutlhi. O ne a tlatsa ka gore pele gone go dirisiwa twantsho borukutlhi mme ka gone go bonala fa maduo a yone a le kwa tlase, ga simolodisiwa lone le lesha leo. A re bo Kgosi jaaka baeteledipele ba merafe, ke bone barwadi ba kgomo e tshwana, a tlatsa ka gore mme ka dinako dingwe dikgosi di ikgatholosa go tsaya dikgato tse di maleba ka dikgang tsa go nna jalo. O tsweletse a re maikaelelo a dikomiti tsa bone ke go baya leitlho nako le nako, le go baya seemo leitlho le gone go phatlalatsa kitso ka borukutlhi. Kgosi Marumo o ne a tlhalosa fa ele tiro ya Motswana mongwe le mongwe go keleka le go tlhabolola mananeo, a tlatsa ka gore kana bogodu bo a farologana. O tsweletse a re borukutlhi bo kgona go simolola mo lwapeng mme ere bana ba tla ba utswile, mogolo a itumele a re ngwana o botlhale ebile o itse go bapala, mme a ba rotloetsa go ithuta go tsena mo malwapeng ba leba tsone dilo tsa go nna jaana. Sergeant Jacob Hendly wa sepodise sa Botswana a re go lwantsha borukutlhi ke kgomo ya moshate, mme fa motho a sa dumalane le go tsenya letsogo mo tirong eo, ke gore le ene ke serukutlhi. O bile a re borukutlhi jwa leruo gantsi bo rotloediwa ke beng ba dikgomo ka go baya badisa kwa merakeng ba bo ba sa ba tlhole. A re ke yone nako e modisa a nnang le nako ya tsenya dikgomo tsa bogodu mo sakeng le gone go tsaya dinamane tsa bogodu a di tsenya mo sakeng. O bile a tlhagisa gape ka ditshipi tsa dikgomo tse di bewang le badisa a re go dira jalo ke go itlhaba ka thipa mpeng. Mme o tsweletse a re tshipi fela jaaka tlhobolo, ga di kgaogane gope le mong wa tsone, a re modisa o tlaa tshuba dikgomo tsa batho, a hula dikgomo tsa batho a rekisetsa ba ba rekisang dinama ka tlhobolo e e seng ya gagwe a bona le sone se baka sa go bolaya ba bangwe, le go ne go thuba mabenkele a utswa ka dikgoka. O kgothaditse beng ba meraka go nna le dibuka tse ba kwalang leruo la bone, palo ya lone le gore fa ba rekisitse kgomo, ba kwale gore ba rekisitse leng kae, a tlhalosa fa magodu a le botlhale thata e bile ba itse go ipuelela. Sergeant Hendly o rotloeditse barui go epa didiba, a re dikgomo tse di nwang mo megobeng le tsone di rotloetsa borukutlhi thata ka di kgona go tsamaya gongwe le gongwe fa di setse di batla metsi ka nako ya fa megobe e kgadile, mme a re ke yone nako e magodu ba di tshwarang mme ba ditseye. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Baagi ba thorontshiwa ke diphologolo Baagi ba kgaolo ya Tswapong Borwa ba ikuetse kgatlhanong le diphologolo tsa naga tse ba reng di busetsa maiteko a bone a temo-thuo kwa morago. Ba ntshitse kgang e mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di tshwerwe ke mothusa tona wa temo thuo, Rre Oreeditse Molebatsi bosheng. Ba re diphiri le dinkwe di nyeletsa leruo la bone, fa ditshwene, dinoko, dikolobe le dikgaka tsone di nna fela mo masimong a bone. Ba ne ba supa fa ba lephata la diphologolo ba diega go tla go bona le go sekaseka tshenyo ya diphologolo. Mo godimo ga moo, ba re madi a phimolo dikeledi le one a a diega. Bangwe ba ne ba kopa mothusa tona gore diphologolo di tshwana le phiri, nkwe le noko di tsenngwe mo diphologolong tsa phimolo keledi. Mongwe wa ba ba neng ba ntsha boikuelo, Rre Sentshegeng Bakae, kwa motseng wa Chadibe, o ne a ntsha la gagwe a re, “ke lemogile sengwe se se thibelang Batswana go itirela matshelo a bone. Mo dipolaseng tse di bapileng le rona ba ruile bophiri, bophokojwe le dikolobe. Fa letsatsi le kotlomela diphologolo tse di tswa mo dipolaseng di tla go senyetsa balemi-barui mme makuku di boele kwa dipolaseng.” Rre Bakae yo o supileng fa diphologolo tse di ruilweng mo dipolaseng tsa mo kgaolong ya Tswapong Borwa bogolo jang dibatana, di humanegisitse batho ba kgaolo eo. A re go maswabi gore batho ba dipolase tseo ba bo ba ruile diphologolo ka gore dipolase tseo ke tsa leruo la mo gae eseng diphologolo tsa naga. O ne a kopa puso go ba rekela bontlhabongwe jwa dipolase tseo go dira mafudiso ka a setse a tlhaela fela thata. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Ngwapa, Mme Gaongalelwe Sepolwane, o ne a supa fa selelo sa bone se se tona e le go jelwa leruo ke diphologolo tsa naga. Mme Sepolwane a re le fa ba begela ba lephata la diphologolo, ba tla morago ga nako e telele. “Ba re o beye letlalo; mme fa pula ena o tla le baya mo ntlong kgantele le a senyega kgotsa le bola, le bo le go nkgela mme o felele o le latlhile” a tlhalosa. A re phimolo dikeledi le yone ga etle ka nako. Bangwe ba ba neng ba supa matshwenyego kwa Moshopha, Rre Tidimalo Moyo le Mme Constance Ramontsho, ba re dikgaka di senyetsa balemi thata. Rre Moyo a re nkwe le yone e ba apesitse kobo ka letshoba. Kwa motseng wa Mokobeng banni ba koo ba re phiri e ba feletsa leruo mme le bone fela jalo ba kopa gore e tsenngwe mo diphologolong tsa phimolo keledi. Kwa Sefhare, Ramokgonami le Tumasera gone selelo se bo se le sengwefela, ba lela ka diphologolo ba re di ba tsisetsa bohutsana mo go tsa temo-thuo. Fa a tsibogela selelo se, mogolwane mo lephataneng la diphologolo mo kgaolong ya Machaneng, Mme Gaboutwele Tshukudu, o ne a kopa balemi go tswelela ba dirisa metlhale ya bogologolo ya go tshosa diphologolo. Mme Tshukudu o ne a supa fa go tlhoka dikoloi mo kgaolong ya gagwe e le gone go dirang gore ba palelwe ke go fefogela dikgang tse di amang balemi-barui di tshwana le tse; a supa fa ana le dipego di le masome a marataro le botlhano mo nakong eno tse di sa tsibogelwang, tse dingwe ele tsa pele ga kgwedi ya phalane wa ngwaga oo fetileng. “Le phimolo keledi gore ba e bone go nna dingalo, gongwe ka lesego motho a bo a boloka madi mo bankeng nngwe ...” Modiri ka ene, yo o eteletseng pele lephatana la twantsho bogodu jwa diphologolo kwa Mathathane, RreThekiso Thekiso, ene o supile matshweyego ka bogodu jwa diphologolo, jo a reng bo ile magoletsa. Borukuthi jo, a re gantsi bo dirwa ke banana, ka jalo a kopa batsadi go tshwaragana le bone go bo lwantsha. BOKHUTLO society 9 Kgosi Jackalas o bolokilwe E ne ya re ka Matlhatso banni ba Jackalas 2 ba thologela kwa kgotleng go tsena phitlho ya kgosi ya bone: Kgosi John Jackals. Dibui ka go farologana di tlhalositse fa Kgosi Jackalas e ne e le moeteledipele yo o senatla, a le lerato e bile a na le mowa wa boitshwarelo. Mongwe wa dibui, Rre Samson Guma, yo e leng mopalamente wa kgaolo ya Bokone Botlhaba o tlhalositse fa Kgosi Jackalas e ne e le mogakolodi wa bone. A re e ne e le kgosi e e nang le kagiso a itse tiro ya gagwe e bile a e dira ka botswerere Le fa go ntse jalo o kopile morafe go tshwaragana, mme ba goge morafe ka mowa o le mongwe jaaka Kgosi Jackalas a ne a dira. Rre Guma a re Kgosi Jackalas o ba rutile go nna batho ba nnete, ga mmogo le gone go tshwaragana ka pelo e le nngwe. Kgosi Tapson Jackalas wa Jackalas1 o lebogetse go bo a ne a tlogela tiro ka bogodi, mme a seka a ganelela mo setilong. A re go dira jalo go supa maikarabelo le maitemogelo a go itse gore o tshwanetse wa ruta ba ba kwa morago tiro gore e re motlhang o hulere go bo go sena sekgoleretsi. Monnawe moswi, Rre Albert Ncube o tlhalositse fa moswi a tsetswe ka ngwaga wa 1921 mo motseng wa Jackalas 2. O tsweletse a re mogolowe o simolotse go bereka kwa South Africa ka ngwaga wa 1939 e le moroki a rokela kompone ya Woolworths go fitlhelela a fudugela mo gae a tla go nna kgosi ka ngwaga wa 1973 go fitlhelela ka ngwaga wa 2008 a tlogela ka ntlha ya bogodi. O tsene mo nyalong e e boitshepo le moswi Josephine Thekiso ka ngwaga wa 1955 jalo o tlogela bana ba le bane, mosadi, bommonawe ba le bane, bana ba bana ba le 24 le ditlogolwana di le 19. Moswi o tlhokafala jaana a le dingwaga di le 95 morago ga go lwala. BOKHUTLO society 9 Sekole sa Dithejwane se tshegeditse ngwao Batsadi le barutabana kwa sekolong se segolwane sa Dithejwane kwa Molepolole ba akgoletswe go bo ba tseetse kwa godimo go ruta bana ngwao ya Setswana le go bona ka matlho. Mogolwane wa thuto wa pele yo a tlogetseng tiro ka bogodi Rre Tiroentle Pheto yo a neng ale sebui sa tlotla kwa pulong semmuso ya ntlo ya Setswana kwa sekolong sa Dithejwane a re o lebogela gobo batsadi le barutabana kwa sekolong seo ba setse morago kitso ya tlholego le go tlotlomatsa ngwao mo go tla solegelang bana molemo mo dithutong tsa bone tse di akaretsang ngwao . Rre Pheto a re setlhogo sa letsatsi leo se sereng ngwao yame ,boipelo jwame,setla dira gore baithuti banne le kitso e tseneletseng le go bua puo ya bone ba gololesegile . A re olebogela gape gore dilo tse di dirisitsweng mo kagong ya ntlo eo jaaka setlhowa,pinagare , thitelo le kgobati e bofang bojang le tse dingwe ele dilo tse bana ba ka ithutabg ka tsone, a ba are dilo tse di dirisitsweng mo kagong ya ntlo eo di fokoditse ditshenyegelo tsa go reka kwa mabenkeleng. Mongwe wa barutabana kwa sekolong seo Mme Ontiretse Kgosintwa are ba sale bannile le toro ya go aga ntlo eo ka ngwaga wa 2010 mme banna le dikgwetlho tse dineng tsa paladisa toro ya bone jaaka letlhoko la madi le go sa ithaopeng ga batsadi . Are maikaelelo a go dira ntlo eo ke go somarela ngwao le go ruta bana ka dilo dingwe tsa Setswana bogolo jang ka bane ba lemoga fa baithuti basa dire sentle mo dithutong tsa bone tsa Setswana. Mme Kgosintwa o bile a tlhalosa gape fa ntlo eo e tla dira gole gontsi ka bane ba lemoga fa bana ba latlhegelwa ke motlhala puo le goitse ngwao. Letsatsi leo lene la natefisiwa ka mmino wa setswana le maboko, fa bomme ba matsosa ngwao bone bane ba supa tsamaiso ya patlo e dirwang ke bomme. education 4 Morafe o kopiwa go tsenya letsogo mo kagong ya tsela Tona wa dipalamo le ditlhaeletsano Rre Kitso Mokaila o supile fa mo nakong tse di fetlileng go lemotshegile fa ba ne ba ntse ba kgaphela ba-na-le seabe ba tshwana le morafe mo ditlhabololong tsa metse ya bone. A re se se ne se dira gore go nne le tiego mo go simololeng tiro. Rre Mokaila o ne a bua jaana kwa kgotleng ya Serule fa a ne a ile go begela magosi le morafe rakonteraka yo o abetsweng tiro ya go aga tsela e e golaganyang Tshimoyapula, Mabeleapudi, Paje le Serule. A re lephata la gagwe le dira se gore morafe o nne le seabe mo go tlhomamiseng gore tiro e dirwa ka fa go tshwanetseng ka teng. Rre Mokaila o ne a supa fa konteraka ya Unik Construction e le yone e e abetsweng tsela ya Mabeleapudi-Serule ya dikhilomitara di le masome marataro le boferabobedi e e tlaa dirwang ka P400 million mme tsholofelo ke gore e bo e wetse mo ngwageng tse pedi. Rre Mokaila o ne a rotloetsa dikgosi le morafe go ela tlhoko gore ga go nne le tiego e e ka dirang gore kago ya tsela e bo e ka tsaya sebaka se se leele go feta se se beilweng. A re se se ka dira gore puso e tsene mo ditshenyegelong tsa go dirisa madimadi. O ne a kopa ba ba setseng ba kopilwe go fuduga go dira jalo mo nakong e khutshwane go sutela ditlhabololo. Rre Mokaila o ne a supa fa kago ya tsela e tsile go fetola matshelo a batho jaaka ba dikgwebo tse dipotlana. O ne a tlhalosa fa ba tlaa kgona go tshetsa ba malwapa a bone. O ne a kopa ba ba tlaa nnang lesego go thapiwa mo tirong go itshwara sentle le go dirisana le rakonteraka gore tiro e kgone go dirwa go sena dikgogakgogano. Tona Mokaila o ne a supa gore ditlhabololo fa di dirwa go na le tse dintle le tse di maswe, mme a kopa morafe wa Serule go ipaakanyetsa dikgwetlho tsa go nna jalo mme tse dingwe ba kgone go di tila gore di seka tsa ama matshelo a bone. Rre Mokaila a re tumalano e e dirilweng ke Tautona Mokgweetsi Masisi le ba a berekang le bone ke gore go berekwe ka thata gore ditlhabololo di kgone go goroga kwa setshabeng. O ne a supa fa lephata la gagwe le tshwere ka thata go aga ditsela tsa boleng jo bo kwa godimo tse di tlaa golaganyang lefatshe ka bophara. A re go dira jalo go tlaa dira gore batho ba kgone go tsamaya ka nako e ba e batlang go sena dikgoreletsi dipe ,a supa fa puso e na le mogopolo wa gore mo dingwageng tse ditlang lephata le bo le ka itsenyetsa madi ka go duelelwa ga ditsela. Mokwaledi wa lephata la dipalamo le ditlhaeletsano Rre Kabelo Ebineng o ne a supa fa se e le tshimologo ya therisano le morafe wa Serule mme ba tla a tswelela ba ba lekodisa ka fa tiro e tsweletseng ka teng. O ne a ba kopa go nna leitlho la puso go bega sengwe le sengwe se se ka tswang se belaetsa. Phuthego e ne e tsenwe ke mopalamente wa Serowe Bokone e bile e le mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Kgotla Autwetse le bagolwane ba bangwe ba puso. BOKHUTLO politics 7 Mapodise a tlhotlhomisa leso la ngwana le mmaagwe Mapodise a Good Hope a tlhotlhomisa dintsho tse mo go tsone mme wa dingwaga tse di masome mabedi le borobabobedi le ngwana wa gagwe wa mosetsana wa dingwaga tse tlhano go belaelwang ba nole sengwe se se botlhole. Go ya ka mothusa mookamela mapodise a Good Hope AssistantSuperintendent Batshwari Gaobatlelwe, bosheng momotshegareng ba ne ba begelwa fa mme mongwe le ngwana wa gagwe ba ragoseditswekwa kokelong ya Good Hope morago ga go lemoga fa ba sa tsoga sentle mme gobelaesega ba nole sengwe se se botlhole. Assistant Superintendent Gaobatlelwe are ba ne ba tabogela kwa sepatela mme ba fitlhela bobedi joo bo santse botlhatlhobiwa ke dingaka mme ka go tlhoka lesego ba ne ba felela ba tlhokafala. A re ba ne ba ya ko lelwapeng la mme yoo go ya gotlhotlhomisa se se ka tswang se diragetse, mme a re ba ne ba fitlhela kopi esupa fa ba nole sengwe se se neng se tshetswe mo go yone, a re go lebega seloseo e le botlhole ka le ba bongaka ba supile fa go lebega ba nole sengwe se sebotlhole. Superintendent Gaobatlelwe a re ba santse ba tlhotlhomisa tiragalo ego bona gore ke botlhole jwa mofuta mang jo bo ka tswang bo gapile matshelo abobedi jo. E re dikgang di eme jalo, Assistant SuperintendentGaobatlelwe a re go tlhagogile borukutlhi bosheng mo motseng wa Good Hope jo areng go na le magotswana mangwe a a tsenelelang banni mo malwapeng a bone kadinako tsa go itisitswe mo maitsiboeng ba ba amoga dithoto tsa bone di akaretsamegala ya matheka le di laptops. Assistant Superintendent Gaobatlelwe o ikuela mo setshabengsa Good Hope gore ba nne ba itotleletse mo matlong gore go se nne bonolo mo magotswaneng a go tsena mo matlong. O kopilesetshaba go ba thusa go tshwara magotswana ao, a re fa ba kabona ope fela a rekisa dilo tsa go tshwana le tseo, a ba lometsebe. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Lucara e diragatsa maitlamo Mogolwane wa moepo wa Lucara Botswana Rre Ewetse Mathaba a re kompone ya bone e tsweletse sentle mo maitlamong le maikaelelo a yone a go thusa setshaba. Rre Mathaba o buile jalo fa a tlhalosetsa makhanselara a kgaolo-potlana ya Boteti ka ditirelo tsa bone kwa phuthegong e e tsweletseng ya khansele ka Labobedi. Rre Mathaba a re mo komponeng ya bone ba itebagantse le tshireletso le botsogo jwa babereki. A re ba na le mananeo a botsogo a a itebagantseng le setshaba jaaka letsatsi la botsogo le maikaelelo a lone e leng go tsibosa setshaba ka boitekanelo, go ba rotloetsa go fetola ka fa ba tshelang ka teng. O tlhalositse fa ba tshwara letsatsi leo ngwaga le ngwaga mo metseng e e farologanyeng maikaelelo e le go leka go rotloetsa gore ba fetole boitshwaro le go tsaya karolo mo botsogong jwa setshaba. Rre Mathaba a re mananeo a bone a a itebagantseng le tsa tlhabololo a akaretsa katoloso ya matlhabelo le Karowe Village development initiatives. A re bosheng ba ne ba simolodisa lenaneo la temo ya nosetso le thuo kwa motseng wa Mokubilo, a tlatsa gape ka go re ba ikaelela go dira marekisetso a didirisiwa tsa kago kwa Mmadikola, fa kwa Khwee gone ba tlaa simolodisa lenaneo la thuo ya dipudi, le go agwa ga lebala la metshameko le le nang le motlobo wa dibuka mo Letlhakane. O boletse fa tona wa temo-thuo le tlhabololo dijo a solofeditse go ema nokeng lenaneo leo ka go romela bomaitsianape go thusa ka tse di tlhokegang. O supile fa ba setse ba tsere banni bangwe ba metse e e amegang go ya go ithuta le go tsaya malebela kwa ditshupong tse di neng di tshwaretswe mo Gaborone. Rre Mathaba o boletse fa lenaneo la matlhabelo ba le weditse mme e bile ba le roletse semmuso khansele le fa go santse go na le fa ba thusang teng. O tlhalositse fa gape ba na le dikgaisanyo tsa mabelo a dibaesekele a a tshwarwang ngwaga le ngwaga a a tsenwang ke batabogi ba dibaesekele go tswa mafelong a a farologanyeng. A re ba itlamile go rekela banana ba le barataro dibaesekele ba bo ba tsena mo setlhopheng sa bone. Mokhanselara wa Letlhakane botlhaba Rre Ketshwereng Galeragwe a re keletso ya gagwe ke gore kotara nngwe le nngwe ya ngwaga, kompone ya Lucara e lekodise khansele ka ditirelo tsa bone. Rre Galeragwe o ne gape a ngongoregela tsamaiso ya bone ya kepo ya diteemane a re e humanegisa Batswana. O ne gape a supa matshwenyego ka tsamaiso ya leswe le le tswang kwa matlhabelong a re ba kopane le khansele go rarabolola seemo. Mokhanselara wa Letlhakane Bophirima Mme Thato Modirwagale, o ne a botsa ba kompone eo gore ba dira eng ka seemo sa ditsela le metsi tse di mo Letlhakane. Le fa go ntse jalo Mme Modirwagale o ne a ba lebogela go tswelela ba tsenya letsogo mo go thuseng setshaba. Mokhanselara wa Mokubilo/Mmea Rre Phangi Resetse o ne a supa fa banni ba Mokubilo ba leboga kompone ya Lucara ka lenaneo le le simolodisitsweng kwa motseng oo bosheng. society 9 Ba lela ka dimausu Baagi ba motse wa Metsimotlhabe ba lela selelo sa khuranyo ya meno ka beng ba dimausu ba motse oo ba ba reng ba tlatsatlatsa matlakala kwa maemelong a dipagamo a motse. Banni ba buile seo mophuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke modulasetilo wa khansele-potlana yaThamaga-Mogoditshane Rre Duncan Ramasiagopana kwa motseng oo. Banni ba re dimausu tse difolodisa maiteko a go phepafatsa motse ka lenaneo la Ipelegeng mme ebile didirisiwa ke dirukutlhi go iphitlha ka ebile go lemogilwe fa dingwe tsa tsone direkisa motokwane. Mothusa kgosi Rre MaganelwaMmipi le ene o supile fa seemo se sa mo jese monate segolo jang ka lefelo leole le mo matlhong a setshaba le baeng tota. Mongwe wa banni, Mme Segomotso Gobuiwang o dumalane lemafoko a ga kgosi mme a re ga se kgang ya dimausu fela. A re motse waMetsimotlhabe ga o lebege ka o tletse ka matlakala a tshwana metseto ya bana ledithaere tse di latlhelwang mo nokeng ya motse oo. Banni ba ne ba tsweletse kago kopa khansele gore dimausu tseo di ntshiwe bogolo bagwebi ba dirise mekhukhuya nakwana e ba ka tsamayang ka yone fa ba golola maitseboa. Fa a tswa la gagwemodulasetilo Rre Ramasiagopana o ile a dumalana le se se builweng ke morafe are o iponetse seo fa a tsena ka motse a re go tshwanetse ga buiwa le bone bagwebibao. Le fa go ntse jalo a re bonee le makhanselara ga ba na thata epe e ba e filweng ke molao go ka koba bathoba, a re o tlaa isa kgang eo kwa go ba ba lebaneng. environment 5 Ratoropo wa Jwaneng o tlhagisa makhanselara Ratoropo wa Jwaneng, Rre Tsietsi Oodira-Kwenje, o tlhagisitse makhanselara gore go ikgogela morago mo dikomiting tsa khansele go ka nna le ditlamorago tse di sa siamang. O buile se bosheng kwa Jwaneng mo phuthegong ya khansele morago ga gore makhanselara a phathi ya UDC kwa khanseleng eo a tlhalose fa a ithola maemo mo dikomiting tsotlhe mme ba sala ka ya bokopano jwa khansele fela. A re khansele e ikaegile segolo bogolo ka dikomiti ka jalo makhanselara a tshwanetse go ela tlhoko ditlamorago tsa tshwetso ya bone gore ga e kgopise morafe. O ne a tlhalosa gore o itse ka kgang e e tsweletseng ya dipuisanyo tsa go ikgaoganya ka maemo magareng ga diphathi tse pedi ebong UDC le BDP. A re seo ga se a tshwanela go kgoreletsa go isa ditirelo kwa setshabeng. O ne a ba gakolola gore tshwetso ya mofuta oo e batla mongwe le mongwe a ema a ipuelela go na le go soboka ba re ba tswa mo dikomiting ka leina la phathi. Mokhanselara wa Mogale, Rre Ronicah Ntsimako o ne a tlhalosa gore ba tsere tshwetso jaaka makhanselara a UDC go tswa mo dikomiting tsa khansele, a supa ka monwana makhanselara a BDP a re a ikgagapelela maemo a boeteledipele ntswa ba le bannye ka dipalo mo khanseleng eo. A re ga go maleba gore palo e nnye mo khanselelng e bo e gogela kobo ntlha e le nngwe ntswa phathi ya UDC e le yone e e ntsi mo khanseleng eo. O ne a tlhalosa fa ba ngala dikomiti tseo mme ba tlogelela BDP gore e di goge e le nosi. Mokwaledi wa khansele Rre Dick Kalantle ene o ne a gakolola gore tshwetso ya go ithola maemo a dikomiti e dirwa ka tsamaiso ya go dira tshotiso e mo go yone e ka dumalanwang ke makhanselara a le marataro mo go a supa. O ne a tlhalosa gore makhanselara ao a mane ka jalo ga go kgonege gore ba ka dira tshutiso ya go nna jalo. O ne a tswelela a gakolola gape gore molao o a letla gore komiti eo ya go dupiwa ga dibuka tsa khansele e ka tlhophiwa ko ntle mo setshabeng e seng mo khanseleng fela. politics 7 Tlhaelo ya didirisiwa sekgoreletsi Tlhaelo ya didirisiwa kwa dikoleng ke nngwe ya tse di bakang go wela tlase ga maduo a baithuti. Se se builwe kwa bokopanong jwa bagokgo ba dikole tsa Selebi Phikwe le mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofo Molefhi bosheng. Rre Molefhi o tlhalositse botlhokwa jwa go kopana ngwaga o simologa, go sekaseka se ba se dirileng sentle le tse di tshwanetseng go dirwa go tokafatsa thuto. A re matshwenyego a Selebi Phikwe ga a a tshwanela go itlhokomolosiwa ka a ka felela a dira gore dikole tse di ntseng di dira sentle le tsone di wele tlase. Rre Molefhi a re go tswalwa ga moepo wa BCL go kgoreleditse matshelo a banni ba Selebi Phikwe ka batsadi ba tshwanelwa ke go ya go batla ditiro kwa mafelong a mangwe. A re bangwe ba ne ba patelesega go tlogela bana ba le nosi kgotsa le masika mo go feletseng go baka tlhoka tlhokomelo. O supile fa dipalo tsa boimana jwa banana di ne tsa gola fa bangwe ba ne ba simolola go tlhoka go tsena sekole sentle. Rre Molefhi a re o kile a etela dikole tsa Selebi Phikwe mme go ne ga lemotshega fa barutabana ba lebanwe ke kgwetlho ya bana ba go lebegang ba sa je sentle. A re se se feletsa se tlama barutabana go dirisa madi a bone go rekela bana dijo. Bagokgo ba supile fa ba tshwentswe ke dipalo tse di kwa godimo tsa bana ba ba fudusiwang mo dikoleng ntateng ya go fuduga ga batsadi go ya magaeng. Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Reuben Mpabanga, Mme Georginah Sethore o supile fa ka 2018 ba ne ba na le matlo a borutelo a bana ba ba kwa tlase a le mararo mme mo nakong ya gompieno ba kwadisitse bana ba ba lekaneng ntlo ya borutelo e le nngwe. A re se, se ba tsenya letshogo la gore e tlaa re dikgwedi di ntse di tsamaya ba bo ba itshaletse fela go sena bana mo sekoleng fa seemo se ka seka sa tokafala. Mogokgo wa sekole se segolwane sa Selebi Phikwe senior, Rre Abraham Senabye le ene o supile fa a setse a tsamaetswe ke bana ba mophato wa botlhano ba fera bobedi ka mabaka a a setseng a supilwe. Mogolwane wa thuto kwa Selebi Phikwe, Rre Elisha Masedi a re ba tswa kgakala ka selelo sa letlhoko la didirisiwa tsa thuto mme go tsaya lobaka gore ba arajwe. A re tsholofelo ya bone ke gore ditilo le ditafole tsa bana ba dikole di nne di rekwa morago ga dingwaga tse tlhaano. education 4 Bomme ba gakololwa go ikemela ka dinao Mothusa Mokwaledi wa khansele-potlana ya Bokone Bophirima, Mme Mogomotsi Seemule, o kopile bomme ba ba neng ba tsene ithutuntsho ya go dira manyena le dibaga ka matlakala go tswelela ka tiro eo. Mme Seemule o buile seo bosheng kwa kabong ditlankana e e neng e diretswe bomme ba ba neng ba rutiwa ke mokgatlho o o ikemetseng ka nosi wa Wena Environmental Education and NewsTrust go dira manyena le dibaga go tsweng mo matlakaleng. Mme Seemule o ne a re e le ba khansele-potlana ba itlamile go thusa banana gore ba tswelele mo dikgwebong tsa bone ka go farologana. Mothusa Mokwaledi o ne a atla mogopolo oo wa go dirisa matlakala mo kgwebong eo, a supa fa e ka tswela tikologo mosola thata ka gonne e abo e phepafadiwa. “Ke eletsa go bona bomme ba e leng ditlhogo tsa malwapa ba tlhokomela ba malwapa a bone fela jaaka borre ba ka dira”, Mme Seemule a tlhalosa. O ne gape a tlhalosa fa khansele e tshwaragane le namane e tona ya go leka go tokafatsa matshelo a batho ka jalo a rotloetsa baithuti go tsweledisa talente e ba e amuleng go tokafatsa matshelo a bone le a ba bangwe. O ne a leboga ba Wena go bo ba bone go se thona go tsholetsa matshelo a bomme a supa fa ithutuntsho ya mothale o e lebagane le motho yo o maleba. Fela jaaka Setswana se re ‘ mokoduwe go tsoswa o o itekang’, Mme Seemule o ne a tlhalosa fa ba rotloetsa batho ba ba nang le maikaelelo mo dikgwebong tsa bone. Fa a ntsha lefoko la kgothatso, mookamedi wa Wena Environmental Education and NewsTrust Mme Florah Mmereki o ne a tlhalosa fa dialogane di tlaa kgona go ipulela madirelo a tsone fela fa ba rata se ba se dirang. Mme Mmereki o ne a kgothatsa dialogane go tsaya kgang ya go tlhokomela tikologo ka tlhwaafalo, a supa fa e le nako ya go lwantsha kgotlelesego ya tikologo go leka go babalela matshelo a bone. O ne a supa fa maikaelelo a ithutuntsho e e le go nonotsha bomme. A tswelela ka go tlhalosa fa ba buile le ba lephata la peeletso papadi le madirelo go fokotsa go reka kwa mafatsheng a sele gore ba kgone go rotloetsa dikgwebo tsa mo gae. O ne a supa matshwenyego a gagwe ka letlhoko la didirisiwa tse ba ka di dirisang go feletsa ba na le manyena le dibaga tse di ka kgatlhang leitlho la moreki. Mongwe wa dialogane tsa ithutuntsho eo, Mme Margret Hawanga o ne a rotloetsa bangwe ka ene go tswelela ba itirela gore ba kgone go gatela pele mo botshelong. economy_business_and_finance 3 Go fuduega maikutlo le tenego di tlhoka go potlakelwa Batswana, segolo jang banana ba kopilwe go ithuta go itshegetsa ka nako tsa ba gateletswe ke maikutlo a tenego go tila go tloga ba ikgapela botshelo. Mme Mpho Rapoo yo e leng mookamela lekalana la botsogo jwa tlhaloganyo mo Kanye o buile jalo kwa thuto-puisanyong ka Labotlhano kwa Kanye. Mme Rapoo o tlhalositse gore maikaelelo a thuto-puisanyo eo e ne e le go lwantshwa go ikgapela botshelo mo go atileng mo bananeng. A re kgatelelo ya maikutlo kana maikutlo a a sa iketlang a koafatsa tlhaloganyo a ba a e bakele malwetse a a tshwanang le jwa madi a a kwa godimo. Mme Rapoo a re ditagi ga di fedise mathata mme se segolo di fetola boitsholo jwa setho mme mo go dire gore ba tlhobogane le ba masika. A re go le gantsi go felela go na le dikgotlhang mabapi le tiriso botlhaswa ya madi le gone go tlhoka go ntsha maduo kwa tirong. Mme Rapoo o tlhalositse gore methale e mentsi e tlhomamisitswe ka dipatlisiso gore e le ruri e a bereka jaaka tshidilo maikutlo go na le go dirisa ditagi kgotsa go iphetisa dino. Thotloetso ya gagwe mo setshabeng ke gore batho ba tswelele ka go tla mo dikokelwaneng ka dipalo gotla go sidilwa maikutlo le go rutintshiwa go emisa dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba ikgapelang matshelo. Moememedi wa baoki ba balwetsi ba tlhalogayo go tswa kwa kokelwaneng ya Kgwatlheng Mme Daphney Balesi o ne a tlaleletsa mo mafokong a ga Mme Rapoo gore itshidilo mmele ke nngwe ya tse di dirang gore mmele o lapologelwe o bo o lapolose tlhaloganyo le maikutlo mo kgatelelong. O ne bolelela phuthego gore motho o ka tsaya loeto fela go ya kwa lefelong le a le ratang go iphokisa phefo, a tlhalosa fa go na le seabe mo go lwantsheng seemo sa maikutlo a a kotlometseng. A re go fetola lefelo la ditiragalo tse di utlwisitseng motho botlhoko go ya kwa go le lengwe, e se gore o tshabela mathata a gagwe kwa go lone, go thusa go sidila tlhaloganyo. health 6 Banni ba lela ka lephata la kabo ditsha Banni ba Morwa kwa kgaolong ya Kgatleng ba kopile lephata la kabo ditsha go ba fa dithuso go tswa kwa Mochudi go na le Oodi. Fa ba bua mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Mochudi Bophirima, Rre Gilbert Mangole, ka Motsheganong a le 13, banni ba ne ba ngongoregela go bo ba kopa dithuso tsa kabo ditsha kwa Oodi. Ba tlhalositse fa Oodi a le kgakala le bone ebile bagolo ba sa kgone go ya go kopa dithuso ka dipalamo le tsone di feta kgakala le diofisi tsa lephata leo. Banni ba Morwa ba re ga ba ise ba tlhalosediwe mabaka a gore ke eng ba ntshitswe kwa Mochudi. Ba kopile mopalamente go isa mafoko a bone kwa bagolwaneng ka ba le mo mahutsaneng a go kopa dithuso kwa Oodi. Bangwe ba ne ba supa fa dipampiri tsa bone di sa bonale kwa lephateng leo mme ba sale ba rometse dikopo ka ngwaga wa 1994 mme nako kgolo ke eno. Mongwe wa banni, Rre Kagiso Setlhare, o tlhalositse fa a sale a kopile setsha ka ngwaga wa 1994 mme a ise a bone le fa e le phetolo mabapi le kopo ya gagwe. A re ba kabo ditsha ba tshwanetse go rwala ditlhako ba tsena mo setshabeng ba ba tlhalosetsa ka lephata la bone le se se diileng dikopo tsa bone. Rre Setlhare a re o setse a etetse lephata leo mme a sa kgone go tlhaloganya gore gatwe matsapa di a tsaya kae ka ga go tlhalosiwe sepe. Mme Disono Thamage ene o tlhalositse fa masika a sena tirisano mmogo e le mabaka a go nna botlhe mo lelwapeng le le lengwe. O tlhalositse fa a nna le bokgaitsadie mo lwapeng la gagwe ka mabaka a gore dikopo tsa bone tsa ditsha ga di ise di arabiwe. Mme Thamage a re se se molemo ke therisano ka e ka rarabolola dipotso di le dintsi tsa banni gore ba kgone go nna ka tsholofelo go na le go itlhoboga. Rre Daniel Tau o tlhalositse fa mosepele wa go dirisa lekgotla la kabo ditsha la Oodi o le botlhoko thata mo bagoding. A re bagodi ga ba kake ba kgona mosepele oo fa bana ba bone ba seo ka ba ka se kgone mesepele e meleele a tlatsa ka gore ga go pale gore ba kabo ditsha ba boele kgato eo morago. Fa a ba kgwa dikgaba, Mopalamente Mangole o ne a supa fa a setse a tlhabile mokgosi ka kgang ya kabo ditsha. A re fa a botsa kwa palamenteng o ne a tlhalosetswa fa Morwa a sa le a bewa ditsha di le 1 700 ka ngwaga wa 2013. Rre Mangole a re o tla sala kgang ya ditsha morago segolo bogolo ka setsha e le sone se se fang motho seriti. A re ga go a tshwanela gore banni ba Morwa ba se ka ba fiwa ditsha ka e le bone ba ka tsweledisang ditso tsa motse oo. O lebogile banni go bo ba supile dingongora tsa bone ka a tla di lebisa ba di ba tshwanetseng kwa phuthegong ya palamente ya mariga. society 9 Tirelo sechaba e tshetsa banana Banana ba Dikgatlhong mo kgaolong potlana ya Lentsweletau itumeletse lenaneo la Tirelo Sechaba ka jaana le ba tshetsa e bile go sa tshwane le go nna fela mo lwapeng. Ba buile jalo fa ba ne ba itekodisa mopalamente wa kgaolo eo, e bile e le tona wa tsa papadi le madirelo, Rre Vincent Seretse mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo bosheng. Mongwe wa banana, Mme Uakuatua Muniazo, o tlhalositse fa a feditse kwa mmadikole mme ka ntlha ya letlhoko la ditiro o ne a bona go le botoka go ya Tirelo Sechaba. O ne a tlhalosa gore le fa a sa dire tiro e a e ithutetseng kwa sekoleng, se a se itumelelang ke gore go na le madi a a a bonang kgwedi e fela. O ne a tlhalosa fa lenaneo le le mo thusa go ithekela dilo tsa botlhokwa di akaretsa melora. Monana yo mongwe, Mme Lucia Toromba, o tlhalositse fa lenaneo le le thusa go mo itsa go nna ka diatla mme se se mo thuse go ikgapha mo dilong tse di sa siamang di akaretsa botlhoka tsebe. Banana ba ne ba rotloetsa ba bangwe go boa kwa ditoropong go tla magaeng go dirisa mananeo a ka jaana letlhoko la ditiro kwa ditoropong le le kwa godimo mo go felelang go pateletsa banana go tsena mo ditirong tsa borukutlhi. society 9 Lephata le ipaakanyetsa ngwaga oo tlang Lephata la thuto la khansele ya kgaolo ya bokone botlhaba, le simolotse go reka dibuka tse di tlaa tlhokwang mo dikoleng kwa kgaolong ngwaga o o tlang. Mo mafokong a gagwe fa a simolola phuthego e e tsweletseng ya khansele mo Masunga mo bosheng, modulasetilo wa khansele ya bokone botlhaba Rre City Kealotswe, o ne a tlhalosa fa tsholofelo e le gore dibuka tsotlhe tse di tlaa tlhokwang ngwaga o o tlang di bo di gorogile kwa dikoleng ka Ngwanatsele monongwaga. Rre Kealotswe, yo gape a leng mokhanselara wa kgaolwana ya Mapoka, o ne a tlhalosa fa mo nakong eno, khansele e tsweletse ka go amogela dingwe tsa dibuka tse e di rekileng go tswa kwa bagatising, mme dipe tse di gorogang di phatlaladiwa le dikole go ya ka thulaganyo e e dirilweng. O ne a itsese makhanselara fa mo ngwageng ono wa madi, kgaolo ya bokone botlhaba e abetswe madi a a fetang didikadike tse tharo le sephatlo (over P3.5 million) go reka dibuka tse di balwang. Modulasetilo o ne a supa fa bogogi jwa kgaolo bo tsere tshwetso ya gore theko ya ditirelo le dithoto dingwe e seegelwe fa thoko go akolwa ke banni fela, a re ka ntlha ya seo go fepa bana ba dikole ka borotho go dirwa fela ke beng-gae. O ne a tlhalosa fa mo nakong eno go na le batho ba ba ikemetseng ka nosi gammogo le ditlhopha di le masome a mararo le borobabongwe tse di fang dikole tsa kgaolo borotho.Rre Kealotswe o ne a tlhalosa fa kwadiso ya bana ba ba tlaa simololang lekwalo la ntlha mo dikoleng tse dipotlana e simolotse ka kgwedi ya Seetebosigo mme e tlaa wediwa ka ya Lwetse. O supile fa e tlaa re kwadiso e wela, go sugasugiwa ga bana bao go simologe, a boa a tlhalosa fa thutuntsho ya barutabana ba ba tlaa dirang tiro eo yone e setse e weditswe. Modulasetilo o ne a lekodisa makhanselara le ka ditlhabololo tsa kgaolo eo, gammogo le dipaakanyetso tsa temo. BOKHUTLO education 4 Nako ya tiro e kgoreletsa tlhokomelo ya matimela Mookamela ofisi ya matimela mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Lerang Phala, a re ba tshwentswe ke go tlhoka tshireletsego ga matimela a a mo tlhokomelong ya bone, bogolo jang ka nako ya go se na go gololwa. Rre Phala re se ke ka go bo ba fiwa madi a phutho ya matimela ke puso mme ba sa fiwe madi a tshireletso ka ba ba thapilweng ba bereka fela ka dinako tse di tlwaelesegileng tsa puso, mme se se raya gore morago ga dinako tse tsa pereko dikgomo di sala di se na yo o di tlhokometseng. A re se se fa magodu sebaka sa go utswa loruo loo. O supa fa babereki ba sa kgone go thusa barui morago ga nako ya go golola ka ba sa duelelwe madi a go bereka morago ga nako. A re le fa ba ba thusa e a bo e le setho fela ka bontsi bo a bo bo tswa kgakala. O supa fa madi a ba a fiwang mo phuthong ya matimela a fela ka pele ka kgaolo ya bone e le bophara mo go felelang go baka bogodu jwa matimela. Mo go tse dingwe, Rre Phala o tlhalositse fa ba tsweletse ka go baakanya masaka a matimela ka mangwe a nna lebaka a sa tlhatlhele mme a felele a nna le ditampana le mangodu. O tlhalositse gape fa ba tshwentswe ke barui ba ba sa ntseng ba ipeela matimela mo masakeng a bone, a re se se ba ketefaletsa tiro ya go a phutha. O supa fa thekiso ya matimela e tsweletse ka gore ba setse ba rekisitse kwa lesakeng la Diphuduhudu, mme a rotloetsa barui go iketleeletsa go ya kwa masakeng a matimela go bona loruo pele ga lo ka rekisiwa. O bile a kopa barui go golola loruo lwa bone pele lo rekisiwa, a supa fa ba tlaa rekisa matimela a masaka a Khekhenye le Masope kgwedi e e tlang. crime_law_and_justice 1 Modulasetilo o a kgalema Modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye, Rre Onneetse Ramogapi o kgadile sepolotiki se se buiwang mo phuthegong ya khansele. O buile jalo mo phuthegong ya khansele kwa Palapye bosheng. A re makhanselara a tshwanetse go bua ka dikgang tsa tirelo le tsamaiso ya khansele e seng go polotika. A re polotiki ke ya kwa ditlhareng e bile e ka dia tsamaiso le ditirelo tsa khansele. A re ga go mo tsamaisong gore makhanselara a tsise dikgang tsa sepolotiki mo khanseleng, a tlatsa ka gore le fa makhanselara a na le dipharologanyo tsa sepolotiki ga ba a tshwanela go tlhaselana mo diphuthegong tsa khansele. A re le fa ba na le megopolo ya go emela ditlhopho mo dikgaolong tsa ba bangwe, ga ba a tshwanela go dirisa phuthego ya khansele go tlhaselana, a re dikgang tsa go nna jalo ke tsa nako ya ipapaletso ditlhopho. O kopile makhanselara go dirisanya sentle go ya pele. Mo godimo ga moo o rotloeditse makhanselara go nna le tshwaragano le mowa wa kutlwelobotlhoko, a re ba tshwanetse go gopolana, bogolo jang ba gopole makhanselara a a mo toronkong. Rre Ramogapi, yo e bileng e le mokhanselara wa kgaolwana ya Mmaphula, o tsweletse ka gore jaaka modulasetilo wa khansele ya Palapye, o tsamaile kgaolo ya Palapye le tikologo a tshwara diphuthego le molaodi go lekola banni. A re mo godimo ga moo o ne a tsena mo metseng le mo dikoleng go bona dikgwetlho le ka fa khansele e ka thusang ka teng. Rre Ramogapi o buile jaana a araba mokhanselara wa Palapye, Rre Dithapelo Tshotlego yo o neng a ngongorega gore modulasetilo ga a ke a etela kgaolo. Rre Tshotlego a re kgaolo ya Palapye e na le dikgwetlho, bogolo jang kwa dikoleng tse di potlana tse a reng dikago ga di jese monate mme modulasetilo a sa dire sepe ka dikgang tsa go nna jalo. A re modulasetilo o tshwanetse go tsaya maikarabelo a etela kgaolo go bona mathata le go a rarabolola. A re baduladitilo ba dikhansele potlana tsa kgaolo ya legare ba tsena dipitso tse di farologanyeng mme le fa e le ka letsatsi lepe ga ba ke ba itsese makhanselara ka tse di builweng kwa dipitsong tsa go nna jalo. A re modulasetilo o sale a tlhalositse fa puso e se na madi e bile khansele e tshwanelwa ke go tla ka mananeo a a ka dirisiwang go tsenyetsa khansele ya Palapye madi gore e kgone go tlhabolola Palapye le go tlhama mebereko, nako kgolo ke eno.Bokhutlo politics 7 Ofisi ya mopalamente ke ya botlhe Motsamaisa dipuisano tsa palamente, Mme Gladys Kokorwe, a re diofisi tsa mapalamente ke tsa morafe otlhe. Mme Kokorwe o buile se kwa Lentsweletau bosheng fa a ne a tsweletse le loeto la gagwe la go isa palamente kwa bathong le go rutuntsha ka tsamiaso ya palamente. O ne a tlhalosa gore go lemosega fa batho ba sena kitso kgotsa ba sa kgone go phuthologa fa ba dirisa ofisi ya mopalamente. O tladitse ka gore diofisi tseo di diretswe gore setshaba se tseye meamuso ya puso kgotsa ditlamelo mo go tsone. O ne a gatelela gore dikgang tsa dipolotiki di fedile ka nako e batho ba neng ba ipapatsa mme jaanong diofisi e le tsa baemedi ba batho e bile batho ba rotloediwa go tla ka bontsi ba ya go kopa dithuso koo. O tlhalositse gore ofisi ya mopalamente e ka ba fa thuso fela e e nametsang. Mme Kokorwe o ne a tlhalosa gape gore ofisi ya mopalamente e botlhokwa ka jaana morafe o ka ithuta go le gontsi e bile bakwaledi le bodiredi ba firetswe go thusa batho ntle le kgethololo epe. O ne a tlhalosa fa dibuka tsa melao metheo ya lefatshe leno le tse di amanang le itsholelo ya lone di ka fitlhelwa kwa diofising tseo. A tlatsa ka gore seabe sa morafe ke go dirisa diofisi tseo go ithuta. O bile a rotloetsa morafe wa Lentsweletau ka bomosola jwa go tsaya matsapa ba ya palamenteng go ya go bona le go reetsa fa palamente e tsene. O boletse gore go a letlelesega gore morafe o ka ya palamenteng go ya go itseela ka tsoo pedi ba bo ba bona baemedi ba bone le ka fa ba itshwarang ka teng mo palamenteng. Mme Kokorwe o ne a gakolola morafe gore o tlhaloganye gore mapalamente a bone segolo jang matona ba neetswe tiro ka ba amega mo dikomiting tse di farologaneng tse di diretsweng go tlhabolola matshelo a Batswana, ka jalo a kopa ba Lentsweletau go nna le kitso eo mogang ba sa boneng mopalamente wa bone kgapetsa kgapetsa. O ne gape a rotloetsa bomosola jwa go kopa dithuso mo masikeng le ditsala go fokoletsa mapalamente tiro ka jaana batho ba tlotlile go bitsa mapalamente mo dintshong kgotsa ditiro dipe fela tsa lelwapa. Fa ba mo kgwa dikgaba, banni ba Lentsweletau ba ne ba botsa ka lenaneo la seromamowa la palamente. Mme Kokorwe o ne a tlhalosa fa lenaneo la seromamowa la palamente le ne la emisiwa ka mabaka mangwe a supa gore lebaka lengwe e ne ya nna gore mapalamente a ne a felela a fetola se a neng a se bua kwa palamenteng fa jaanong ba tsena kwa seromamoeng. Selo se o kaileng se ne se sa jese diwelang. Le fa go ntse jalo o ne gape a tlhalosetsa morafe gore ba setse morago kgang ya go tsenya palamente mo thelebishining, e ka yone a reng e tsile go sedimosetsa Batswana ka se se diragalang mo palamenteng. Banni ba ne ba akgolela Mme Kokorwe go isa palamente kwa bathong. Monni wa Lentsweletau Rre, Raphael Kgabong o ne a lebogela leeto leo mme a tlhalosa fa jaanong go ba butse ditlhaloganyo le dipelo ka jaana ba ntse ba saletse morago e bile ba boifa go tsena ka kgoro ya palamente le ya ofisi ya mopalamente tota. politics 7 Talente e ka namola lehuma Rre Osenotse Kgadedi yo o dingwaga di masome a mabedi le bone, ke monana wa Bobonong yo o dumelang fa a tshotswe ka bodiragatsi e bile a bolela fa talente e ka tshetsa motho ya ba ya mo namola mo lehumeng. Rre Kgadedi a re o sale a simolola go diragatsa mo motshamekong wa drama a santse a le kwa sekoleng se sebotlana. A re morago ga go fetsa dithuto tsa mophato wa botlhano, o ne a lemoga fa talente ya gagwe ya bodiragatsi e ka mo tshetsa mme ya re ka 2010 a dira setlhopha sa bodiragatsi se bidiwa B-PORT, se a neng a nna moeteledipele wa sone. A re go le gantsi setlhopha sa B-PORT se ne se kgona go kgobokanya madi a mantsi ka se ne se lalediwa ke maphata a puso le mekgatlho e mengwe ya motse ka go farologana go tla go gasa molaetsa ka motshameko le go natefisa letsatsi. O tsweletse a re ka setlhopha se ne se sa dira sentle mo dikgaisanong tsa malatsi a ga Tautona, ba ne ba patelesega go kopana le bommantswitswidi ba motshameko wa drama ka 2013 mme ba fetola setlhopha leina go se bitsa Bokamoso Practitioners Theatre Group. Rre Kgadedi, yo e leng modulasetilo wa setlhopha o tlhalositse fa se dira sentle fela thata gonne e rile bosheng sa lalediwa ke ba District Health Management Team ba Bobonong go tsamaya le dikgaolo tsa Bobirwa go gasa molaetsa ka bomosola jwa go rupa ga borre. O kgothaditse banana go dirisa ditalente tsa bone ka puso e phutholotse letsogo ka go dira mananeo gammogo le go neela banana madi go ka tla ka methale e ba ka inamolang lehuma ka yone. arts_culture_entertainment_and_media 0 Beng ba matlo ba rotloediwa go dira mokwalo Kgosi Maleshwane Bakwena wa kgotla ya Woodhall kwa Lobatse o rotloeditse beng ba matlo kwa Lobatse go dira mekwalo ya tumalano le batho ba ba hirisang matlo ao. O buile jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe bosheng kwa kgotleng ya Woodhall, a supa fa go dira mokwalo go tila ketsaetsego e e ka tlhagang fa mohirisi a sa duele sentle. A re fa go na le mokwalo, go nna le bosupi jwa gore bobedi bo dumalane ka dituelo tsa bokae le gore mohirisi o tshwanetse go duela leng. Kgosi Maleshwane a re beng ba matlo ba tshwanetse go tsibogela selelo sa bahirisi fa sengwe se tshwana le lebati, letlhabaphefo kgotsa tsa motlakase di senyegile ka go dira jalo go itsa dikgogakgogano magareng ga bobedi joo. A re o itemogetse mo dikgannyeng tse a di amogelang gore mohirisi o kgona go tlhoka go duela madi a boroko ka gore dilo di senyegile mo ntlong. Kgosi Bakwena a re beng ba matlo ba seka ba letlelela bahirisi go tsaya sebaka se seleele ba sa duele madi a boroko ka go ba tlogela sebaka ba sa duele go felela go baka dikgogakgogano. A re ka nako ya dituelo go tshwanetse ga nna le mokwalo o o supang fa mohirisi a duetse. E rile a tswa la gagwe, mokwaledi wa kgotla, Mme Sylvia Releseng a re dikgang tsa beng ba matlo ba ba ikuelang kwa kgotleng ka bahirisi di dintsi mme go le gantsi beng ba matlo ga ba itse maina a bahirisi, ka jalo go nne dingalo go rarabolola kgang. Mme Releseng a re beng ba matlo ba tshwanetse go itse maina a bahirisi ba bo ba itse le mongwe wa losika, a tlatsa ka go re go dira jalo go direla mong wa ntlo dilo motlhofo fa go na le bothata. O ne a supa gape gore fa mong wa ntlo a itse ba losika lwa mohirisi o ka ba lekodisa fa mohirisi a sa tsoga. A re go a thusa gore mong wa ntlo a duedise mohirisi madi a mangwe fa godimo fa a tsena mo ntlong gore e re fa go senyega dingwe mo ntlong eo a kgone go baakanya. economy_business_and_finance 3 Kereke ya Roma e na le Moprista yo mosha Bishop Franklin Nubuasa wa kereke ya Roma go tswa Gaborone e rile ka Matlhatso a tlhomamisa semmuso Rre Tshiamo Makaba go nna moperesita wa kereke eo kwa Kanye. Rre Makaba yo o dingwaga di masome mabedi le boferabongwe o tlholega kwa kgotleng yoo rra Segotshane kwa Kanye mme o tsene sekole kwa Botho University ya re morago a ya go dira dithuto tsa boprista tse a saleng a supa kgatlhego mo go tsone ka 2001. E rile Bishop Nubuasa a neela Rre Makaba maemo a boperesita a tlhalosa fa tiro eo e le tona thata mo ditsong tsa kereke ya katoliki, mme e le la ntlha go tlhomamisiwa moperesita yo o tswang Kanye. Bishop a re go tlhomamisa moperesita ga se matshamekwane, a re ke tiro e tona thata ka seo se tsisa phetogo mo botshelong jwa motho ka mowa o o boitshepo o a bo o tshelegela mo go ene. O boleletse moperesita yo o sa tswang go tlhomamisiwa gore botshelo jwa gagwe jaanong bo fetogile ka a tlaa nna motsaya karolo mo thomong ya Modimo. A re Moperesita Makaba o tlaa kgona ka Modimo o tlaa mo neela maatla go etelela phuthego pele. O ne gape a leboga batsadi ba ga Moperesita Makaba ka kemonokeng e ba e fileng ngwana wa bone go kgona toro ya gagwe ya go nna moperesita. A re go bo ba letlile ngwana wa bone go nna moperesita ke mpho e ba e fileng kereke ya Katoliki lefatshe ka bophara. Ka jalo Bishop Nubuasa o ne a kopa kemonokeng ya makatoliki ka kakaretso go ema moeteledipele yo nokeng ka thapelo, a re seo gape se ka lere ditshegofatso tse dikgolo mo motseng, bogolo jang ka go tlhalositswe fa Rre Makaba e le motho wa ntlha go nna moperesita a tswa Kanye. Bishop Nubuasa o weditse ka go kopa moperesita yo mosha gore a itlotle a bo a tlotle phuthego e bile a itse gore boikgogomoso ke sera sa moperesita. A re moperesita o tshwanetse a nna boikanyego le go supa lerato la Modimo jaaka e le keletso ya Modimo le Batswana ka kakaretso go nna le baperesita ba ba molemo e bile ba tshephega. E ne e rile a amogela baeng moperesita mogolo wa Thapelong, Father Thomas Puthukktuchyrayil a tlhalosa fa letsatsi la go tlhomamisa Moperesita Makaba e le letsatsi le le molemo thata le le tshwanelwang ke go ipelelwa, segolo bogolo ka e le moletlo wa ntlha go diragala kwa Kanye. E rile a lebogela tiro ya letsatsi, modulasetilo wa kereke, Mme Patricia Bathai a supa boitumelo ka go tlhongwa ga moperesita go tswa Kanye, a re ke selo se se molemo thata. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Mothetho o itshidila maikutlo ka go loga Mme Alakanani Mothetho, yo o dingwaga tse di masome a marataro mme a itsege thata mo motseng wa Masunga ka leina la Mma Keneilwe, a re sepatela sa Jubilee se mo file kitso e bile le boswa jo a tla se kitlang a bo latlha le fa a ka ralala dikgwetlho tse di ntseng jang. Mo potsolotsong le lekala la dikgang la BOPA ka Mosupologo, Mme Mothetho, yo o tshelang ka bogole, o tlhalositse fa go loga mo a go amuleng mo mooking mongwe ka nako tsa fa a robaditswe kwa sepateleng sa Jubilee kwa Francistown ka 1964. A re go ne ga mo thusa fela thata mo lwapeng ka e le yone fela tsela e a tsenyang madi ka yone mme go ne ga mo thusa go lebala dikgwetlho tsa botshelo ga mmogo le jone bogole jwa gagwe tota. Mme Mothetho o tlhalositse fa a ne a sa tsholwa ka bogole joo, ka jalo a ne a ithuta go loga e le tsela nngwe ya go itshidila maikutlo go amogela seemo sa gagwe morago ga go tlhagoga ga bogole. O tladitse ka gore mme yoo wa mooki ko Jubilee, o ne a mo ruta botsipa jotlhe jwa go loga, mme e re ka le kgoro ya sekolo a ne a sa e itse, o ne a tshwanelwa fela ke go itshoka go ithuta go loga gore segolo e tle e nne yone tsela ya gagwe ya itshetso. Mme Mothetho o tsweletse ka gore go gololweng ga gagwe kwa kokelong ka ngwaga wa 1968, o ne a tsweledisa kitso ya gagwe ka go loga dijesi tsa bana, mebese le tse dingwe. A re e re le ntswa a ne a thapiwa ke ba khansele ya kgaolo ya bokone botlhaba, ga a ka a ipona tsapa, o ne a tswelela fela gore a seka a latlhelegelwa ke kitso ya gagwe. Mme yo a re fa a santse a bereka, pele ga a latlhela ngogola, o ne kgona go tsenya letsenonyana ka a ne a rekisetsa babereki ka ene tse a di logileng. A re e re ka mo nakong ya gompieno a itlholela fela mo lwapeng, morago ga go tlogela tiro ka bogodi, o loga jaana go itlosa bodutu gape go dira gore a nne a itumetse ka nako tsotlhe. Mme Mothetho a re e re le ntswa kgwebo e le kwa tlasenyana, o bona thotloetso e ntsi kwa go ba kereke ya gagwe ka a ba logela diaparo tse dingwe tsa kereke. O tsweletse ka gore fa molwetsi a robaditswe, bontsi jwa bone ba latlhegelwa ke tsholofelo mme seo se ba kgobere le maikutlo, ka jalo go nna ba sidilwa maikutlo ka go rutuntshiwa ka dilo tse di farologanyeng, go le molemo fela thata ka go ka ba thusa go emisa go akanya mo go feteletseng. Gape o tlhalositse fa ene a sa batle go nna mo-nale-bogole yo o tshelang ka go kopa, a re ke ka moo a itlamileng go itirela ka matsogo a gagwe. A re o loga diaparo tsa kereke, mebese, mesamo ga mmogo le yone mekgabisa ya mo ntlong. education 4 Monna mongwe o thukuthilwe diketekete Setshaba se tlhagisiwa gore ba seka ba neela batho ba ba sa ba itseng dithoto tsa bone jaaka dibeke le megala ya letheka. Tlhagiso e ntshitswe ke mookamela mapodisi a Kanye, Superintendent Kealositswe Konyana mo potsolotsong bosheng morago ga gore monna mongwe a tseelwe P18 800 ke banna ba le babedi. Supt Konyana a re rre yoo a re banna ba babedi bao ba ne ba mo solofetsa tiro mme ba kopa go mo tshwarelela beke gore a ye go apara diaparo tsa itshireletso pele a ka simolola tiro. O tlhalositse fa rre yoo a ne a tlhoka motho kwa go neng gotwe a ye go tsaya diaparo teng mme ya re fa a boa a fitlhela banna bao ba tsene ka lenga la seloko. Supt Konyana a re rre yoo a re fa a ka bona banna ba babedi bao o ka ba itse, gape a re banna bao ba ne ba re ba tswa kwa dikhamphaneng dingwe tsa megala ya letheka mme ba na ba di bapatsa. E re dikgang di eme jalo, Rre Konyana a re lekawana lengwe le itseetse dikobo ka dikgoka mo mosetsaneng wa dingwaga tse di masome mabedi le bongwe yo e leng mokapelo wa tsala ya gagwe kwa Lotlhakane East. Supt Konyana a re go utlwala fa mosetsana a ne a ile kwa mokapelong wa gagwe mme mokapelo wa mosetsana yoo a ya maitisong le ditsala tsa gagwe ba tlogela wa mosetsana a le esi mo lwapeng. Go tlhalosiwa fa e rile moragonyana yo mongwe wa ditsala a tlogela ba bangwe kwa maitisong mme a boela kwa mosetsaneng jalo go belaelwa fa a ne a betelela mosetsana a sena go mo supa ka thipa. Supt Konyana o tlhalositse fa mo nakong eno ba ise ba tshware mmelaelwa yoo. O tsweletse a bolela fa dirukutlhi dingwe di thubile marekisetso a Furnmart mo Kanye ka Mosupologo bosigo mme ba seka ba tsaya sepe. Supt Konyana a re go belaesega dirukutlhi tseo di ne tsa kgoreletsega tsa sia fa di sena go bona dipone tsa koloi. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Ba Nlapkhwane ba supa komiti ya VDC ka monwana Banni ba motse wa Nlapkhwane mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba supile komiti ya ditlhabololo tsa motse oo ka monwana ba re ga e tsamaise dilo dingwe mo motseng ka fa tshwanelong. Ba buile jalo ba akgela mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, City Kealotswe, kwa motseng oo, bosheng. Banni ba tlhalositse fa maloko a komiti eo ba sa dire dilo ka tekatekano e bile ba sa sale tsamaiso morago ya go thapa babereki ba Ipelegeng mo motseng, ba bolela fa maloko a na le mokgwa wa go ipoeletsa gangwe le gape, ba fapaana maemo a a leng teng mo lenaneong leo. Bangwe ba ne ba ngongoregela tshekatsheko e e dirwang ke komiti eo mabapi le go tlhopha batho ba ba welang mo lenaneong la batlhoki. Ba re go dira dilo ka tshokamo ga komiti ya VDC go jesetsa banni ba bangwe mo kgobedung, ka e bile go na le bangwe ba malwapa a bone a felelang a wela mo isong go sena tsone diamaleng. Mme Galani Chitoto a re banni bangwe ba motse ba kgona go digela ngwaga ba ise ba ko ba bereke mo Ipelegeng, ka jalo a kopa gore bogolo go okediwe dipalo tsa babereki mo motseng ka e bile le dipalo tsa batho mo motseng di oketsegile E ne e rile a lekodisa modulasetilo ka ditlhabololo tsa motse, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Nlapkhwane, Rre Falani Masalila, a tlhalosa fa motse o o hira babereki ba Ipelegeng ba le masome a mane le bone kgwedi le kgwedi. Rre Masalila o ne a bo a kopa gore go nne le kokelwana e e ka latelang batho kwa kgotlaneng ya Malobela ka jaana e le kgakala le kwa kokelo ya motse e leng gone, mme seo se sokodisa banni ba kgotlana eo ka ba kokonelwa ke mosepele fa ba batla go bona dithuso tsa ba bongaka. Modulaselo wa komiti o ne a bo a kopa gore tanka ya metsi e e beilweng kwa kgotlaneng ya Mtombo go thusa banni ba koo ka metsi, e nne e tshelwa metsi ka jaana banni ba tshelela mo lenyoreng, a bolela fa ba Water Utilities Corporation ba le maoto a tshupa go tshela metsi mo go yone. Rre Masalila a re mo nakong eno banni ba kgotlana eo ba ikantse metsi a megobe, a tlatsa ka go supa fa se sele borai mo matshelong a batho. A re o ipotsa gore fa metsi a kgala batho bao ba tla leba kae. O ne a bo a kopa puso go sekaseka go oketsa dikatso tsa maloko a VDC. Monni mongwe wa motse, Mme Dineo Mosinyi o ne a akgela ka go rotloetsa maloko a VDC go eteletsa pele mowa wa boithaopo, mme ba beela kwa thoko mogopolo wa go kopa koketsego ya dikatso. Mme Mosinyi a re maloko a VDC a sego ka ba bona sengwenyana fa ba tshwantshangwa le dikomiti tse dingwe tse di leng teng mo metseng, tse tsone di sa boneng sepe gotlhelele. Fa a tswa la gagwe Rre Kealotswe, yo gape eleng mokhanselara wa kgaolwana ya Mapoka, o ne a gakolola maloko a VDC go itse fa e le bone palamente ya motse, ka jalo tshwanelwa ke go dirisa dithulaganyo tse di tlhamaletseng fa ba dira dilo mo motseng, a re eseng jalo, seo seka diga seriti le serodumo sa motse. BOKHUTLO politics 7 Ngwana setlhare o a nosediwa - Mogokgo Kebafitlhetse Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Mathiba kwa Maun, Rre Noah Kebafitlhetse o kopile batsadi go emisa go dira ditiro tse di sa siamang fa pele ga bana. Mogokgo o buile mo phuthegong ya batsadi le barutabana gone kwa sekoleng seo bosheng, Rre Kebafitlhetse o tlhalositse fa ditlhaloganyo tsa bana ba bannye di le metsi ka jalo di kgona go tshwara sengwe le sengwe se se dirwang ke motsadi, a re gape bana ga go motlhofo go farologanya se se bosula le se se molemo ka ba kgona go kwatabolola sengwe le sengwe mme phelelong se ba senyetse bokamoso. Rre Kebafitlhetse o boleletse batsadi gore go botlhokwa go fitlha mekgwa mengwe e e sa siamang gore ba seka ba senya bokamoso jwa bana, a re lore lo ojwa lo sale metsi ka seo bana ba tshwanetse ba lemotshiwa tse di sa siamang ba sale babotlana “Ngwana ke ene seipone sa kwa ga bone, ka seo batsadi ba tshwanetse ba nna motlotlo ba godisa ngwana yo o tlaa sekeng a ba tlhabise ditlhong, yo o nang le boitshwaro jo bontle mo sechabeng le ko sekolong,” ga bua Rre Kebafitlhetse A re batsadi ba tshwanetse ba tshwantshanya bana le ditlhare, a tlhalosa gore ditlhare fa o ka di lema mme wa seka wa di nosetsa ga di ntshe maungo, ka jalo ngwana le ene o tshwanetse a nosediwa ka go tlhokomelwa le go fiwa ditaelo le maele a botshelo gore le ene ka moso a tle a ntshe maduo a a elediwang ke motsadi mongwe le mongwe. “Go nosetsa ngwana gore a ntshe maduo go ka dirwa ka mekgwa e mentsi jaaka go bua le ene, le ka go lekola ngwana kwa sekolong go bona gore o dira jang mo dithutong ka gore seo se ka dira gore morutabana a itse ngwana botoka,” ga bua mogokgo. Fa a tswa la gagwe, mogolwane go tswa gone mo sekoleng sa Mathiba, Mme Patricia Paul o kopile batsadi go emisa go bipa mpa ka mabele, a re ba tshwenyegile thata ka gore ba amogela dikgang dingwe kwa sekolong tse di supang gore batsadi ba ne ba di bipile. Mme Paul o kopile batsadi go boela kwa mekgweng wa bogologolo e ngwana a neng a kgalemelwa ke mogolo mongwe le mongwe a re seo se ka thusa go lwantsha mekgwa e tshwana le ya nnotagi e e ba tshwentseng mo sekolong sa bone ka gore bana ba tlaa nna le poifo. A re bana ba sekole ba setse ba inaakantse le mekgwa e e maswe jaaka nnotagi le tlhakanelo dikobo le batho ba ba bagolwane mo go bone, selo se se tlhokang batsadi go ema ka dinao gore isago ya bana ba bone e seka ya senyega. O tlhalositse fa ba tshwenyegile thata ka gore ngogola ba ne ba lemoga fa basetsana gone mo sekoleng seo ba le bararo ba lokwalo la bosupa ba ne ba ima, fa ngwaga ono a le mongwe gape a imile. “Boimana jwa bana ba sekole bo supa gore mongwe o ne a leka go bipa mpa ka mabele, ka jalo batsadi re kopa gore le emeleng bokamoso jwa bana ba lona ka dinao ka go ba kgalemela le go emisa go nwa majalwa le tse dingwe mo matlhong a bone,” ga bua Mme Paul. Mme Paul a re ba lemogile fa go na le batsadi bangwe ba ba rotloetsang gore bana ba tlhakanele dikobo le batho ba batona mo go bone gore ba tlhokomele ba lelwapa la bone. A re kgang e e tshwanetse ya emelwa ka dinao. BOKHUTLO education 4 BIUST e belega dikole tse dipotlana Mookamela kgaolwana ya botlhatlhobi jwa dikoloe tse dipotlana ya Palapye Borwa, Mme Onalethata Thitoyamore a re la Inquity Based Learning fa le ka tlhoafalelwa le ka tokafatsa maduo. O buile jaana kwa Manaledi bosheng kwa moletlong wa go alosa bana ba ba yang go dira lekwalo la ntlha ngwaga o o tlang, le go ipelela maduo a lekwalo la bosupa. Sekole seo se ne sa gapa maemo a bobedi mo kgaolwaneng ya botlhatlhobi jwa dikole ya Palapye Borwa. BIUST e ikgolagantse le dikole tsa kgaolo ya Letswapo go di thusa ka tse di ka dirwang mo kgodisong ya ngwana mo go tsa thuto. Mme Thitoyamore a re go thona go bona sekole sa bana ba ba palo potlana se sa dire sentle, a supa fa go nonofa ga maduo le boleng ja one e le ja seemo se se kwa tlase. A re seo se ne sa ba pateletsa gore sengwe se dirwe go tlokafatsa maduo. Mme Thitoyamore o ne a kgothatsa barutabana go dira ba le seopo sengwe le batsadi. A re seo se ka tsisa maduo a a nametsang pelo. Mogolwane o ne a re lenaneo leo le fa moithuti sebaka sa go dirisa tlhaloganyo, a dira ka diatla, ka kelelelo e e tseneletseng le manontlhotlho a go itlhaloganya. Mogokgo Grace Obonye o ne a supa fa lenaneo leo le thusa baithuti go bona maduo a a kwa godimo le ikaegile ka thuto ka go dira, go ikakanyetsa le go supa botlhale jwa go ka bona dikarabo. A re sekole seo se ne sa kgona go gapa maemo a bobedi mo kgaolwaneng ya botlhatlhobi jwa dikole ya Palapye Borwa ka 50 per cent AB le 100 per cent ABC. Mme Obonye a re sengwe gape se se ba tiisang moko le go feta ke tshwaragano le tirisanyo mmogo ya botsadi le banni ba motse oo, A re mo nakong e ntsi ba diragatsa lengwe la matshego a lefatshe leno a boithaopo kwa sekoleng seo. Fa a tswa la gagwe, moitseanape wa kankere Dr Bonolo Mhaladi go tswa kokelong ya Princess Marina yo o tllholegang kwa motseng oo, o ne a ntsha lentswe la kgothatso a supa fa motho a kgona go nna se a se batlang go sa laolwe ke lefelo le a tswang kwa go lone fa e se maikemisetso a motho ka go itirela tolamo mo go tseyeng thuto ka tlhoafalo. Dr Mhaladi o ne a re go le gantsi bana ba ba tswang mo metseng e mennye jaaka wa Manaledi ba na le go itseela kwa tlase. A re ba tshwanetse ba nna le maikaelelo a botshelo jwa bone. A re seo ba ka se kgona fela fa ba ka tsaya dithuto tsa bone ka tlhoafalo, e seng gore ba kgaramediwe gore ba ithute. A re motheo le kgodiso ya ngwana di botlhokwa go tswa kwa lapeng, mme a kopa batsadi go ithuta bana ba bone go ba rotloetsa go nna se ba eletsang go nna sone. A re thuto ke boswa, e tlhoka go nosediwa le go rotloediwa. “Ke ne ke le motho yo o ratang sekole thata, mme ka bongwana ke ne ke ipatlela go itse go bala le go kwala fela, ya re fa ke ntse ke tlhatloga le thuto ka tsenya maropo dinameng mo go tsa thuto go fitlhelela ke nna se ke leng sone gompieno.” Dr Mhaladi a re ga go na sepe se se thata. A re ngwana mongwe le mongwe o ka kgona, fela fa a na le maikaelelo ka se a batlang go nna sone mo botshelong, a ba rotloetsa go tlhopha ditsela tse di maleba tse di ka ba thusang go ribolola botswerere jwa bone. A re leina le lentle le a itirelwa, a tlatsa ka go re bana ba Manaledi ke bone ba ka tsholetsang serodumo sa motse wa bone. A re go a kgonega gore bana ba ba masome a supa le bobedi bao e nne barutegi ba tlhwatlhwa fela botlhe mme ba direle motse wa bone go o isa kwa godimo. Dr Mhaladi o ne a ba kgothatsa go tsaya dithuso tse ba di fiwang ke puso ka di ka ba thusa mo botshelong. education 4 Tiego ya didirisiwa e kgoreletsa lenaneo Kgosi Mabedi Motlhagodi wa Mokgenene o ikuetse ka dingwe tsa didirisiwa tse di tshwanetseng go thusa go namola Batswana mo lehumeng ka lenaneo la nyeletso lehuma, tse a reng di tla ka monokela. Fa amogela mothusa tona wa merero ya ofisi ya ga tautona le bodirelapuso, Rre Gaotlhetse Matlhabaphiri kwa Mokgenene ka Labotlhano, Kgosi Motlhagodi o ne a tlhalosa fa a tshwenyegile thata mabapi le gore didirisiwa dingwe di paledisa tsamaiso e lolameng ka di tsaya nako e telele go goroga. O ne a re seo se busetsa morago maiteko a go nyeletsa lehuma bogolo jang mo go bone ba lehuma le ba aparetseng. A re o fitlhela dilo di tla di kgaokgaogane, se a boletseng e le poelo morago. Kgosi Motlhagodi a re bao ba ba mo lenaneong ba nna ba lebeletse tsela, mme dikarabo di tsaya lobaka go tla, mme e bile go sena tlhaloso epe e botoka. Fa a lekodisa ka tsa motse, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Rre Pogisego Gaebonwe o ne a kopa gore go nne le mooki o belegisang mo kokelwaneng ya motse, a tlatsa ka gore le yone kokelwana k abo yone o tlhokana le go ka atolosiwa ka tota e le nnye. O ne a bua a sa kgwe mathe ka letlhoko la koloi ya puso mo motseng, a re moo go ba jesetsa mo kgobedung bogolo jang ka ba le kgakala le ditlamelo. A re go thata gore ba kokelo ba kgone go thusa molwetse o gateletsweng ka go sena koloi e ka thusang, a tlatsa ka gore seemo se se baka dintsho tsa tshoganetso tse di ka bong di ne di ka hemiwa. A re le fa ba tshwanetse go ya go batla ban aba ba ngwegang mo sekoleng go ba tsaya malatsi ka ba sena koloi, a bua jalo a kopa gore motse wa Mokgenene o fiwe koloi e tla dirisiwang thata ke bodirelapuso go fefosa tlhabologo ya motse wa bone. Mo dikganyeng tse dingwe, Rre Gaebonwe o ne a kopa gore kgotla ya bone e nne le ntlo ya go ka tshegetsa badira molato, a tlhalosa fa go ba paledisa tiro ka gore b aba tshwanetseng go tshegediwa ba felela ba tswa fela kana go sena kwa ba ka tshegetswang teng. Mothusatona Matlhabaphiri o ne a lekodisa morafe ka mananeo a nyeletso lehuma, dikgang tsa bana-le-bogole ga mmogo le bolwetse jwa HIV\AIDS. E rile a kgwa morafe kgaba, Rre Matlhabaphiri o ne a dumelana le gore lephata le ntse le na le dikgwetlho tsa letlhoko la go isa didirisiwa le ditsompelo ka nako. A re ngwaga le ngwaga puso e abela lephata madi a kanang ka didikadike tse pedi tsa dipula go dirisiwa, a tlatsa ka gore mme jaanong ga a tlhaloganye gore madiadia a ka tswa a bakwa ke eng. O bile a re puso e tshwenyegile, mme ke ka moo badiri ba boipelego ba phatlaladitsweg go dira ditshekatsheko tsa batlhoki botlhe, ka moo a kopa gore batho ba thusiwe, mme e bile madi a ba abileng a seka a boa ka mabaka a sa tlhaloganyesegeng. Fa a fa tlhaloso mabapi le dikokelwana, a re puso ene e tsere tshwetso ya gore di okediwe, mme kwelo tlase ya itsholelo lefatshe ka bophara e ne ya folodisa maiteko ao. Are maikaelelo a puso e ne e le gore kokelwana epe e bo e na le baoki ba le babedi go akaretsa le yo belegisang, a tlatsa ka gore se, se tla kgonega fela fa seemo sa itsholelo se sena go boela. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Dinah Mfulwane o latlhetse Molodi o mosesane wa lentswe le le tumileng thata mo thulaganyong ya Tatediso ya Dikgang ya Seromamowa sa Botswana, le tlaa tlhoafalelwa bobe ke ba le bantsi jaaka fa mme Dinah Mfulwane a tlogela tiro ka bogodi. Mme Mfulwane yo o berekileng dingwaga di feta masome a mararo le botlhano o tlogela tiro ka bogodi morago ga go direla puso ka fa tlase ga lephata la dikitsiso, le mo sebakeng se se fitileng le neng le bidiwa la dikitsiso le seromamowa Mme Mfulwane o simolotse tiro ka go direla mo mafelong a akaretsa Maun, Selebi Phikwe le Molepolole kwa a wetsang sebaka sa go direla puso a le teng. Modiri yoo, yo o neng a simolola tiro ka go thapiwa a le morongwa, o supile mowa wa boithaopo jo bo godisitseng bokgoni jwa talente ya go bega dikgang ka botswerere jo bo neng jwa mo ngokela tatedi e e seng kana ka sepe. A re o simolotse tiro ka go tsamaisiwa tshipidi ke Rre Epena Ngatangue yo mo nakong eno a eteletseng pele lekalana la BOPA ka fa tlase ga lephata la dikitsiso. Mme Mfulwane o supile lorato lwa tiro ya dikgang ka go nna boineelo le pelotelele, segolo jang mo tirong e a neng a sa e rutelwa ya go kwala le go bega dikgang tsa DailyNews go akaretsa le thulaganyo ya Tatediso ya Dikgang. O kaile fa nngwe ya dipego tse a di gakologelwang e bile di mo tiisa moko le go feta mo nakong tsa fa a santse a le mosha mo tirong e le ya go ralala segopa sa ditau, a aperwe ke poifo e kogolo go latedisa kgang e mo go yone mongwe wa badiri ba madirelo a bojanala kwa Moremi a neng a bolailwe ke tau. A re kgang e, e ne e tshosa thata ka ebile a ne a tsamaya e le ene mme mo gare ga borre mo ditseleng tse di neng di sa tsamaege ba patelesega go tla ba ema go epa motlhaba o o neng o sa dire mosepele bonolo. O bile a gakologelwa tiragalo e mo go yone a neng a tsaya boikarabelo jwa tiro e a neng a e dira ya go aba pampiri ya dikgang ka go laela mookamedi wa nako eo wa lephata la dikitsiso le seromamowa, Rre Mogolori Modisi go sala morago mola wa go ikopela pampiri ya dikgang fa a ne a leka go tsenelela ba ba neng ba emetse go thusiwa ka a ne a sa itse gore ke mang. Mme Mfulwane o ne a nna le sebaka sa go tsenelela dithutuntsho tsa go kwala dikgang tse dineng di rulaganngwa ke lephata di akaretsa le go kapa dithwantsho. “E re ntswa re ne re sa rutelwa tiro ya bobega dikgang, re ne re rutuntshiwa ke babega dikgang ba nako eo borre Jerry Masete le Michael Dithakeng ba ba neng ba dumela mo dipegong tse di tlhapileng pele di tsena mo ditsebeng tsa bareetsi,” ga tlhalosa Mme Mfulwane. E re ka jaana gotwe tsholofetso ga e tlhabise ditlhong, boineelo jwa ga Mme Mfulwane bo ne jwa mo tsisetsa maduo a go tlhatlosiwa maemo go nna Technical Assistant. Dinah, jaaka badiri ka ene ba tlotlileng go mmitsa, o gwetlhile badiri ka ene ba ba magorogo masha mo tirong ya dikgang go semelela ka go eletsa go gola ka go itirela leina ka go jesa bareetsi monate mo dipegong tsa bone eseng fela go ikutlwa ba tlhagelela mo phefong. Go ya ka Rre Jeremiah Senabye yo Mme Mfulwane a kileng a direla ka fa tlase ga boeteledipele jwa gagwe kwa Selebi Phikwe le Molepolole, a re Mme Mfulwane e nnile mongwe wa badiri ba ba boikanyego, ka bonatla a le kelotlhoko e bile a itse go dirisanya thata le badiri ka ene. Rre Senabye o tlhalosa fa Mme Mfulwane e ne e le modiri yo ba le bantsi ba ka ithutang go nna boineelo mo tirong ka ene ka go amogela thomo ya boeteledipele ka nako tsotlhe kwa tiro e neng e mo tlhoka teng Lentswe la ga Mme Mfulwane le tlaa tswelela le agile mo ditlhaloganyong tsa bontsi jwa balatedi ba thulaganyo ya Tatediso ya Dikgang ka go mo itse thata e le Dinah Nfulwane yo e ya reng leina la gagwe le umakwa bontsi bo thaakanye ditsebe. BOKHUTLO society 9 Maloko a mokgatlho a aba madi a mmele Mokgatlho wa University of Botswana Health and Wellness Centre o bone go le maleba gore ba nne le karolo mo go abeng madi a mmele, se e le nngwe tsela ya go leka go lwantsha tlhaelo ya madi ee apereng lefatshe leno ka bophara. UB health and wellness Centre e aba madi malatsi a le matlhano ba ikgolagantse le National Blood Transfusion Centre (NBTC). Mogokaganyi wa UB health and Wellness Centre, Mme Bawani Motshewa, o tlhalositse fa ba lemogile gore tlhaelo ya madi ke selo se se tshwenyang fela thata, mme ka jalo ba batla go thusa mo go lwantsheng tlhaelo eo. Mme Motshewa a re ba sa la ba simolola go nna karolo mo go abeng madi ba ntse ba golagane le ba NBTC ka dingwaga tsabo 2008, a supa fa kgolagano ya bone e tsweletse ka go golela pele. O tlhalositse gore ka di ngwanga tsa bo 2008 tiro ya go abiwa ga madi a mmele e ne e tsaya letsatsi le le lengwe fela, mme mo bogompienong ba dira tiro eo beke yotlhe. O tsweletse a tlhalosa gore mo ngwageng ba dira tiro e ya go aba madi gabedi ba lebile gore ngwaga o kgaogantswe ka ditlha di le pedi go yeng ka thuto ya Mmadikolo. Mme Motshewa are dipalo tsa batho ba ba abang madi di tsweletse ka go golela pele fa go tshwantshangwa le dingwaga tse di mmalwa tse di fitileng. Are gore dipalo di tswelela ka go gola jaana, ba nale dithulaganyo tse ba e dirang e le ba UB health and Wellness Centre go gwetlha batho gore ba abe madi a mmele ka dipalo tse di kwa godimo. Dithulaganyo tse di akaretsa kanamiso ya melaetsa ka dipampitshana, ga mmogo le baithaupi ba baithuti ba ba tsamayang ba anamisa molaetsa ka kabo ya madi ntlo le ntlwana mo sekolong. O tlhalositse fa bontsi jwa batho ba ba abang madi ka palo e ntsi e le baithuti ba sekolo, mme le badiri mo sekolong le bone ba tsweletse ka go aba madi a mmele ka dipalo tse di nametsang. Oa tswelela ka go tlhalosa fa kabo e ya madi e sa remelela fela mo baithuting le badiri ba Mmadikolo, mme e buletswe mongwe le mongwe fela yo o ka tswang a nale keletso ya go aba a madi. Mme Motshewa o rotloetsa mongwe le mongwe yo o mo seemong sa gore a ka aba madi, gore a abe madi ka gonne, madi a a abang e kare kamoso a solegela ene yo o a abang molemo. BOKHUTLO health 6 Maiteko a puso a mantle Kgosi Mbuso Vavani wa Maitengwe o tlhalositse fa a lebogela go bo puso e tserekgato ya go rotloetsa Batswana ka kakaretso go nna le seabe mo tsamaisong yabodiredi. A re ka go dira jalo, oratile mogopolo wa tiriso ya dipampiri tsa patlo maikutlo ka bodiredi le tsa gokwala megopolo e e ka tokafatsang. O buile seo mo potsolotsongle ba lekala la dikgang la BOPA bosheng, a re mokwalo o ba o dirang o thusathata, ka o ka kaya bokowa le bokgoni ja babereki. A re ntleng le seo, go ka nnale tikologo ya tirisano mmogo le tomagano mme a re Batswana ba bantsi mme modinakong tse dingwe o fitlhela palo ya bodiredi e le kwa tlase. Kgosi Vavani gape o ne a remme batho mo diemong di tshwana le tseo ba tshwanetse go inela puso diatlametsing ka e dira ka bojotlhe go gorosa ditlamelo ko metseng e e farologanyeng. A re kgato e puso e e tserenge ema nokeng tsetlana nngwe e e reng mmuso wa batho ka batho, gape puso e edirelang dilo mo pontsheng. Fa a tswelela, a re oitumelela gore batho le bone ba itse tshwetso e ba tshwanetseng go e tsaya kadinako tsotlhe mo diemong tse di farologanyeng. A re o itemogetse gore bathoba dirisa sebaka sa go kwala maikutlo a bone gore le bone ba nne le seabe mo ditsamaisongtsa lefatshe. Go sale foo, a re le bone baba thusiwang ba seka ba gatelela bao ba ba thusang mme o ne a tlhalosa gorebodiredi le jone bo tshwanetse go nna le boikobo, boineelo le lorato mo go baba thusang gape ba le tlhaga. A re isago e mo diatleng tsaBatswana, mme go tlogelwe go latlhelelwa le boitseme ka tseo di ka phutlhamisaitsholelo le tswelelopele. Gape Kgosi Vavani o ne agatelela ntlha ya gore mananeo a kana ka thapo tsa leselo, mme a Batswana ba adirise a ba tshetse botshelo bo ye pele. society 9 Tsie sejo sa bagologolo Bogologolo e ne e tle e re tsie e umakiwa, batho ba tlale boitumelo ka ba itse fa kgora e tsile. Gompieno ga go a nna jalo ka gore fa e umakiwa, ka bofefo Motswana o simolola go tlalelwa le go tlelwa ke poifo e kgolo. Bogologolo tsie e ne e tsewa e le sejo sa botlhokwa e bile e ne e bonwa motlha mongwe morago ga lebaka le le leele. Bagologolo ba re kgorogo ya tsie e ne e tsisa boitumelo mo bathong, go simolole semphete-ke-go-fete. Mongwe le mongwe e le yo o batlang gore e re pele ga e feta a bo a bapetse mesobana e le mmalwa. Mo motseng wa Tonota mo kgaolong ya Legare, go tsalwa Rre Albert Kgaritlha, yo o dingwaga tse di masome a le bofera-bobedi, mme e bile a itsege thata ka kitso ya gagwe ya setshidi se ba reng tsie. Mo potsolotsong bosheng, monnamogolo Kgaritlha o tlhalositse fa ka boammaaruri a na le kitso e ntsi ya tsie ka a ne a le motshwari wa yone wa popota mo dingwageng tsa maloba mme o tlhalositse fa mefuta ya tsie e le mene. “Molome ke tsie e e kima mme ka mmala e le khibidu. Segongwana ke tsie e e kaiwang e le bokgwabo mme ka mmala e le bohibitswana jo bo borokwana. Jaje ke sehakgale sa tsie ka e kgona go fofa le bosigo, mme yone ka mmala e tshetlha e bo e nna le sehuba se setala. Mofuta wa bofelo wa tsie ke o o bidiwang Jajerane. Yone ke tsie ya bokgwabo jo bo feletseng, mme ka mmala e le tshetlhana,” ga tlhalosa Rre Kgaritlha. A re bogologolo ba ne ba bapala tsie go sa le mo mosong, ba ipopile ka ditlhophana mme a re fa go gorogwa kwa gae ka papadi e, go tlhatlegiwa pitsa mme go thothediwe metsi a se manene mo go yone. Rre Kgaritlha a re yo o tshwereng kgetsi o tsenya molomo wa yone mo pitseng, a tlhotlhorele tsie ele yotlhe mo teng. Fa a dira jaana, Rre Kgaritlha a re yo mongwe o a bo a eme gaufi thata ka sekhurumelo gore e re fela yo o tshwereng kgetsi a fetsa a bo a setse a khurumela go thibelela tsie go fofa. “Setswana se se reng kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa tota se tswa gone fa. Tsie e ne e re e budule ke bo ke e anega kana ke e rafa go dira seshabo sa mosoko. Fa gongwe tsie e ne e gakolosiwa, go tlhobiwa diphuka le maroo go beelwa fa thoko,” a tlhalosa. A re go tsweng hoo go tloge go tsewe metsinyana go pharanngwe mo pitsaneng go tsenngwe letswai, go pharanngwe mafuranyana a dingwe diphologolo tse di giwang mafura jaaka podi, nku, phofu kana thutlwa. Rre Kgaritlha a re ditlhogo, diphuka le maroo a tsie di ne di kokotlediwa mme morago di feferwe go ntsha diphuka, mme morago ga moo di a thugiwa, go latlhelwe letswai mme ka jalo go dirwe sekome. O tsweletse ka go tlhalosa gore mo malatsing ano batho ga ba rate tsie ka bangwe ba dumela fa e tsisa lehuma. A re barui ba dihutshane le bone ga ba rate tsie ka mabaka a gore diruiwa tsa bone jaaka dikgomo le dipodi di felela di sena phulo fa e ntsifetse fela thata mo e leng gore phulo le yone ga e sa tlhole e lekana. society 9 Nxaraga o galaletsa puso Bogogi jwa motse wa Nxaraga mo kgaolong ya Ngami bo akgoletse puso go bo e tshwere ka natla go tlhabolola le go tokafatsa matshelo a Batswana. Ba supile se mo potsolotsong bosheng. Ba re e re le ntswa lefatshe leno le babaletswe ke manokoko a kwelo tlase ya itsholelo, puso ga ya ipona tsapa go tsweledisa maikaelelo a yone a go thusa Batswana bao ba ba aperweng ke lehuma la nta ya tlhogo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Geoffrey Manja, a re ele ruri puso e tlhapolotse letsogo ka jaana tema e a bonala e bile ba le bantsi ba kgona go inosa metsi. A re mananeo a puso a dirile pharologanyo e tona mo morafeng wa Nxaraga, ka bontsi bo ne jwa inaakanya le one mme e bile mo bogompienong matshelo a bone a bonala a tokafala fela thata. A re mananeo a tshwana le a temo-thuo jaaka LIMID a tsweletse sentle mo kgaolong; e bile a boa a lebogela puso go bo e bone go tshwanela go oketsa ditlhwatlhwa tsa theko ya dipodi, ka jaanong le barui ba kgatlhegela go rekisa; ka dipoelo di le botoka. Rre Manja o boletse gape fa lenaneo la go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo le lone le ntsha maduo a a nametsang a supa fa a dumela fa dipalo tsa botlhoki di tla wela tlase. Kgosi ya motse, Kgosi Gaolathe Kgosigaenyatswe, o ne a iteela kobo moroko mafoko a a boletsweng, a supa fa ba leboga maiteko a puso go menaganye. A re e le ruri fa morafe o ka tswelela ka go tsibogela dithuso le mananeo a puso; kgang tsa lehuma e tlaa nna selo sa maloba. Kgosi o ne a supa selelo se segolo ka bogodu jwa leruo, jo a reng bo jweleletse mo kgaolong ya gagwe. A re o ngomoga pelo ka jaana bangwe ba batswasetlhabelo e le bone ba ba filweng dithuso ke puso. A re bogodu jwa leruo bo tla busetsa maiteko a mantle a puso kwa morago, a supa fa le bone ba ba filweng ba tla kgobega marapo. Mo dikgannyeng tse dingwe, Kgosi Kgosigaenyatswe o ne a supa fa morafe o bolawa ke lenyora le legolo. A re e sale motse wa bone o tlhomamisiwa ga ba ise ba tsenyetswe metsi mme ba nosiwa ka go tshelelwa. A re tanka e e ba sielang metsi eo ga e ba lekane, mo le bone ba setseng ba itlhobogile;e bile ba nwa kwa nokeng. Kgosi Kgosigaenyatswe o ne a ikeula gape ka tlhaelo ya ditlamelo tsa botsogo ka ba sena kokelwana. A re ba thusiwa gangwe fela mo kgweding mme nako tse dingwe ga ba bone thuso ya bongaka gotlhelele ka ba botsogo ba bolela fa ba tlhaelelwa ke dipalamo. Kgosi o ne a supa fa kgang ya go tlhoka sekole mo motseng le yone e sa ba robatse. A re bana ba Nxaraga ba tsamaya sekgela sa dikhilomethara di le lesome le botlhano go ya sekoleng, kwa motseng wa Komana. A re go le pele ba ne ba thusiwa ka bese ya lephata la thuto; mme jaanong bese eo e senyegetse ruri fela; mo go paledisang bana go ya sekolong sentle. Kgosi Kgosigaenyatswe a re morago ga go ikuela kwa bogoging jwa kgaolo mme go se nko epe e e tswang lemina; e le botsadi jwa motse, ba bone go le botlhokwa gore ba ise kgang e ya bese kwa ofising ya ga tautona, ka se tota se baya isago ya bana ka fa mosing. BOKHUTLO politics 7 Modulasetilo o kopa gore dikatlholo di gagamadiwe Banni ba Kopong ba kopile puso go tseela batho ba ba senyang ditsatlholego dikgato tse di gagametseng fela jaaka magodu a diphologolo. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e neng e buisiwa ka mopalamente wa kgaolo ya Lentsweletau/Mmopane, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Seboka Bonno a re batho ba tsweletse ka epa motlhaba, konkoreite le tse dingwe ba sena diteseletso. Matshwenyego a mangwe a modulasetilo a buileng ka one ke leswe le a boletseng fa le latlhelwa gongwe le gongwe mo tikologong e bile le leswafatsa tikologo le motse wa bone. Rre Bonno o bile a kopa gore go seka sekwe sesha molao o otlhayang batho ba ba leswafatsang tikologo ka jaana go lebega fa dikatlholo tse di teng dile motlhofo . A re lentswa motse wa bone o itsege ka bophepa monongwaga batla jelwa matshwao ka dilo tse ba senang taolo mogo tsone jaaka matlotla ,ditilo le ditafole tse di sa dirisiweng kwa dikolong tsa di potlana tsa motse oo. A re ba batshwenngwa ke bommamathwane mo dikolong tse dipotlana a tlhalosa fa monko wa leswe la bone o le diphatsa fela thata mo baithuting le barutabana. Mo dikgannyeng tse dingwe batho ba Kopong ba boleletse mopalamente fa motse wa bone o golela ntlheng ya Gakuto mme ba kopa go agelwa sekolo sa boraro ka jaana gona le bana ba bantsi ba ba batswang kwa Sasakwe a re seo setla fokotsa mosuke o teng mo dikolong. Selelo se se ke letlhoko la metsi le gore ditanaka tse dinosang motse wa bone di dinnye ba kopa gore diokediwe ka motse le one o godile. Fa a tsibogela matshwenyego a bone a metsi mogolwane go tswa kwa lephateng la metsi Mme Boitumelo Kgaodi ene o tlhalositse fa ba tshwaragane le tiro e tona ya go tokafatsa seemo sa mealo ya metsi le go atolosa ditanka tse di teng tse dinosang motse oo. Fela o rile batshwenngwa ka kafa metsi a sa gorogeng sentle mo motseng gotswa kwa phaepheng e tswang kwa Sasakwe ka ntata ya tshenyo e dirwang ke baruakgomo bangwe ba ba senyang phaephe eo ka maikaelelo a go nosa leruo la bone. O tlholositse gape fa batla baakanya phaephe a isang metsi ko Kopong west ka go lebega fa le yone ele tshesane. Mo tekodisong ya gagwe mopalamente o rotloeditse batho ba dikgaolo tseo go dira dithotho tse di nang le tlhwatlhwa gore puso e tle e direke mo go bone a bolela fa mafatshe a tlhabologileng a simolotse jalo. crime_law_and_justice 1 Ba le bane ba abetswe dijo le dikobo Bana ba le babedi le bomme ba le babedi ba Lecheng kwa kgaolong ya Tswapong Bokone ba abetswe dikobo, dijo le melora ke ba mokgatlho wa bomme wa Marea wa kereke ya Roma go tswa mo mafelong a a farologaneng a kgaolo ya Borwa. Bomme bao eleng Oabona Onkabetse, Lesego Tshegofatso, Kgosiyarona Ditlhako le Keoletile Olesitse ba ne gape ba fiwa P100 .00 fa godimo mongwe le mongwe go ithekela seshabo. E rile a bua mo boemong ja bakaulengwe go tswa Serowe, Palapye, Mahalapye, Selebi-Phikwe le Bobonong, modulasetilo wa bomme ba mokgatlho oo wa kgaolo ya Borwa ya Deanery ya Roma, Mme Tikologo Kenosi a re ele bomme ba tshwenngwa thata ke matshelo a batho ba ba sa ikgoneng, a re seo se gateletse bomme segolo bogolo. O tlhalositse fa maikaelelo magolo a bomme ba Roma ele go thusa batho go gola mo tumelong ka ke yone e e ka ba tshegetsang mo dinakong tse dithata tsa diemo tse ba iphitlhelang ba le mo go tsone. O tlhalositse gore nako tsotlhe kwa ba kopanelang teng, ba kopa batho ba motse o ba yang go kopanela teng go ba batlela ba ba tlhokang dithuso .A re ba dira jaana go tshwaraganela kgetsi ya tsie le puso gore le bone ele bomme ba thapelo ba supe fa ba utlwisisa e bile ba tlhaloganya sentle matshego a setshaba a vision 2016. Fa a otlelela mafoko a modulasetilo, Mme Marea Kanokang o boletse fa lerato le se mabela, le se maikgantsho e bile le sa ikgogomose, mme e bile ba sa tshwanela go boifa gonne Jesu o teng mo matshelong a bone ka malatsi otlhe. Sister Lucy ene o supile fa se, ele thomo ya Modimo gore bomme ba bo ba na le matsogo a a abang e bile ba tlhaloganya pitso le thomo ya Modimo ya gore ba apese ba bo ba fe batlhoki dijo gammogo le go nosa ba ba nyorilweng . Moruti wa kereke eo go tswa Palapye Rara Gabriel Tanki Batere a re go aba go supa bokeresete mme a tlhalosa fa bokeresete bo bonwa ka ditiro tse dintle. O rile lefatshe leno le tlhoka dithapelo ka le dikaganyeditswe ke mafatshe a a sa iketlang a a tletseng dikgoberego. Fa a a fa malebo, leloko la lekgotla la komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Lecheng Rre Babopeng Ookeditse a re ba lebogela dimpho tseo ka di tlisa pharologanyo mo matshelong a ba ba di amogetseng mme a kopa bakereke ya Roma go tswelela ka mowa o montle oo wa bopelotlhomogi. Bokhutlo religion_and_belief 8 Ba Mankgwenyane ga ba robatswe ke dibara Kgosi Gagonthone Sesupo wa kgotla ya Mankgwenyane kwa Molepolole a re ga ba jesiwe diwelang ke dibara dingwe kwa kgaolwaneng eo. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Sesupo o tlhalositse fa kgotla eo e dikaganyeditswe ke marekisetso a bojalwa a a reng a tlala phetelela. A re banni ga ba robadiwe ke modumo o o kwa godimo thata o ebileng o kgoreletsa baithuti go dira tiro ya sekolo kwa malwapeng. A re selo se se mo tshwentseng le go feta ke gore modumo o, o oka bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase, ba bangwe ba bone ba santseng ba tsena dikole. O tlhalosa fa kwa marikisetsong a, go diragala dintwa tse di masisi nako le nako. Le fa gontse jalo Kgosi Sesupo o kaile fa ba eme ka dinao go itepatepanya le seemo se, a supa fa ba kile ba ikgolaganya le ba molao go ikuela tebang le seemo se. A re le ntswa modumo wa diletso o tsweletse, dibara tsone di tswalwa ka nako morago ga gore mapodisi a eme bagwebi ka lefoko. Godimo ga moo, kgosi o supa fa mapodisi a beile seemo leitlho. O tlhalosa gape fa kgotla eo e boloditse letsholo go itepatepanya le ba ba tlhokang tsebe kwa maitisong ka go ba biletsa kwa kgotleng go tla go ba kgalemela ka fa go tshwanetseng. Modulasetilo wa baithaopi ba ba thusang go lwantsha borukutlhi, Rre Keabetswe Rantoko, o tlhalositse fa ba ipaakanyeditse go busetsa dilo mo mannong. A re ba itlamile go tsamaya mo dikoleng ba buisana le baithuti go ba tsibosa ka bodiphatsa jwa go tlhoka tsebe le tiriso ya nno tagi. Rre Rantoko a re go dira jalo go ka sologela bana molemo ka le ojwa le sa le metsi. society 9 Thuto e tlhoka batsadi le barutabana Tshwaragano ya barutabana le batsadi e ka tsisa maduo a mantle. Mafoko a, a builwe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Taupye kwa kgaolong-potlana ya Mahalapye, Rre Tshwaragano Dipao mo potsolosong bosheng. Rre Dipao o boletse fa batsadi bangwe ba le maoto a tshupa go tla diphuthegong tsa batsadi le barutabana. A re batsadi fa gotwe phuthego kwa sekoleng o utlwa ba re ba ya merakeng,a tlatsa ka gore seo ke matlhabisa ditlhong e le ruri. A re jaanong o kare batsadi ba roletse barutabana bana mme a re o kopa batsadi go tlogela mogopolo oo ka o sa siamela thuto ya bana ba bone. O tswelela a re batsadi ba tshwanetse go emela thuto ya bana ka dinao gore sekole se ntshe maduo a a nametsang. “Fa maduo a tswa a le mantle re a itumelela rotlhe, mme fa a se mantle ke kgang ya barutabana ba le nosi, ka jalo re tshwanetse ra tshwaragana,”a tlhalosa. A re molemo wa go ntsha maduo a mantle ke tirisano mmogo le tshwaragano ya batsadi le barutabana e le yone fela thulaganyo e e ka thusang tokafatso maduo a bana. O tlhalosa gore fa e le gore batsadi bangwe ga ba a tsena ka kgoro ya sekole mme le bone ba tshwanetse go tsaya karolo mo thutong ya bana ba bone,e seng go isa bana kwa merakeng ka nako ya sekole. A re ba tshwanetse go itse fa thuto e le bokamoso jwa bana e bile thuto e ka ba ntsha mo lehumeng ga mmogo le ba malwapa a bone. O tswelela a tlhalosa gore go supagetse fa dikole tse di tsweletseng ka go ntsha maduo a a kwa godimo e le ka ntlha ya tshwaragano ya batsayakarolo botlhe mo thutong. E re gontse jalo, a re o gakolola batsadi go itse fa go le mo maruding a bone go bopela bana bokamoso jo bo phepa ka go ba rotloetsa go tsena sekole le go ithuta. O ne a supa fa botshelo e le kgwetlho mme go ikanya thuto e le yone tsela ya boammaaruri e e ka bulelang motho mafulo a matalana ga mmogo le go bula dikgoro tsa botshelo tse dintle. A re o kgothatsa bana botlhe ba ba golelang mo dikgwetlhong tse di thata tsa botshelo di tshwana botlhoki,go isiwa merakeng ka nako ya sekole le bohutsana go tlhaloganya fa seo se ka seke sa ba paledisa go fitlhelela dikeletso tsa bone. O ba rotloeditse go ikuela kwa go ba boipelego gore ba kgone go tsena sekole ba phuthologile, a kaya fa thuto e ka tsisa pharologanyo mo botshelong jwa bone. Le fa go ntse jalo, a re o lemogile fa batsadi bangwe ba hira bana kwa merakeng ba ba ntsha mo sekoleng, a tlatsa ka go gakolola ba ba dirang jalo gore ba itse fa seo e le molato. O supa fa ngwana wa dingwaga tse di kwa tlase a sa tshwanela go bereka ka fa molaong wa tsa pereko. O ne a tlhalosa fa ba thusana le ba sepodisi go leka go lemontsha batsadi botlhokwa jwa go tsenya ngwana sekole. Mo godimo ga moo, o tlhalosa fa bana bangwe ba sa godisiwe sentle ka gore batsadi ba bone ba dirisa nnotagi phetelela e bile bangwe ba nwa bojalwa le bone. O tswelela a re e le boeteledipele ja motse wa Taupye ba leka bojotlhe go ruta banni ka mananeo a puso a a ka ba thusang go tsenya bana ba bone dikole. A re sebe sa phiri ke gore ba maoto a tshupa go tsibogela mananeo ao, a tlatsa ka gore bangwe ba ba hira mo Ipelegeng gore ba tle ba kgone go duelela bana sekole. A re bangwe fa madi a tswa ba a nwa ka bojalwa fela otlhe, a tlatsa ka gore ga ba itse gore jaanong ba ka ba thusa jang gore ba tlhokomele bana ba bone. Rre Dipao o tlhalositse fa thuto e le Khumo e motho a ka sekeng a e amogwa ke ope, a tlatsa ka gore go botlhokwa gore banaleseabe botlhe go akarediwa batsadi le barutabana ba nne ngatana nngwe fela go betlela bana bokamoso ka e le bone babusi ba Botswana ka moso. BOKHUTLO education 4 Ikaegeng ka temo-thuo Tona wa Tlhabololo Temo-Thuo le Tlhomamiso Dijo Dr Edwin Dikoloti o kgothaditse banni ba Lorolwane go itshwarelela ka temo-thuo go itshetsa ka lefatshe leno le aperwe ke letlhoko la ditiro. Mopalamente wa Mmathethe/ Molapowabojang o buile jaana kwa phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa Lorolwane bosheng. Tona a re keletso ya gagwe ke go bona kgaolo ya Mmathethe/ Molapowabojang e nna boremelelo jwa temo-thuo. Dr Dikoloti a re fa ba ka tlhoafalela temo-thuo ba ka rekisetsa Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) le Botswana Meat Commission (BMC), tse di tsenyetsang Motswana madi mo kgetsing. A re fa dikompone tseo di ka phutlhama di tlaa bo di phutlhamisitse botshelo jwa Motswana. A re e le tona yo o lebaganeng le temo-thuo, o ikuela mo setshabeng gore ba mo thuse gore dikompone tseo di seka tsa phutlhama. A re puso e reka dijo boturu kwa ntle ga lefatshe leno, ka jalo o kopa setshaba go mo thusa go fedisa seemo seo. Mo go tse dingwe Tona Dikoloti a re keletso ya gagwe ke go bona tsela ya Mmathethe /Bray e tshelwa sekonotere ka se ka goroga kwa Lorolwane, mme seo se tokafatse seemo sa temo-thuo ka jaana motse wa Bray le Lorolwane e le mengwe ya metse e e isang dikgomo kwa matlhabelong ka bontsinyana. Mopalamente a re keletso ya gagwe ke gore banni ba Mmathethe/Molapowabojang e nne bagwebi ba maungo. A re ka jalo o tlaa rotloetsa kgaolwana nngwe le nngwe ka ditlhare tsa maungo di le masome mabedi le botlhano. A re Lorolwane ke lengwe la mafelo a a humileng di-tsa tlholego, ka jalo a rotloetsa banni go di dirisa. Mabapi le thuto, tona o kopile batsadi go emela thuto ya bana ka dinao, a re ba ka dirisa bontlha bongwe jwa madi a kgaolo go rotloetsa thuto ka go thapa batho ba ba rutuntshang baithuti. Fa a amogela baeng, kgosana wa tetlanyo kwa motsing oo, Rre Matlhoakgosi Matlho o ne a re ntswa motlakase o le teng mo motsing, ga o ise o gokelwe mo maphateng a puso. O ne a supa matshwenyego mabapi le maduo a a sa itumediseng a sekole se sebotlana sa motse oo, a tlhalosa fa a belaela gore seo se bakiwa ke tlhaelo ya ditlamelo. A ngongorega le ka seemo sa tsela ya Lorolwane/Gasita a re e mo seemong se se maswe ka jaana go le lebaka e sa gopiwe. Fa a ntsha tekodiso, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Kaelo Paraffin o tlhalositse fa ditiro tse ba di dirang ka lenaneo la Ipelegeng di tsweletse sentle, sebe sa phiri e le gore ba filwe palo e potlana go thapa babereki mme a kopa gore e okediwe. Rre Paraffin o ngongoregile ka ditsha tsa komiti ya ditlhabololo tsa motse a re ga di na di politics 7 Keamogetse o gweba ka dinotshi Kgwebo ya thuo ya dinotshi e tlhalosiwa e le nngwe ya dikgwebo tse di ka thusang go tlhabolola matshelo a batho. Se se builwe ke Mme Keamogetse Khubu wa motse wa Dikhukhung mo kgaolong ya Borolong yo o inaakantseng le thuo ya dinotshi go iphalotsa lehuma mo potsotsong bosheng. Mme Khubu o tlhalositse gore e re ntswa thuo ya dinotshi e se bogadi bo gaufi, bangwe mo magaeng ba tlhabolotse matshelo a bone ka yone. Mme Khubu o supile fa thuo ya dinotshi e tlhokana le motho yo o pelotelele e bile a na le lorato mo go se a se dirang. Ka thuso ya ba ofisi ya nyeletso lehuma ba khansele- potlana ya Good Hope, e rile ka ngwaga wa 2013 a ya go rutwa ka thuo ya dinotshi sebaka sa malatsi a le matlhano kwa Pelotshetlha. Mme Khubu o tlhalositse gore o ne a rutwa gore dinotshi di tshwarwa jang e bile di nale mosola ka di dira tsina, e e nang le dipoelo. O tsweletse ka go re morago ga go tlhatlhelelwa ka dithuto tsa thuo ya dinotshi, o ne a aloga mme a fiwa setlankana sa thuo ya dinotshe. Mme Khubu o tlhalositse gore o ne a nna ngwaga a ise a fiwe didirisiwa tsa thuo ya dinotshi, mme ya re ka 2015 a rogwa a segofala a fiwa mabeelo a dinotshi le kapari ya thuo ya dinotshi, mme a tshwanelwa ke go ipatlela dinotshi go simolola thuo. O rile le fa go ne go se motlhofo go ikapela dinotshe kwa pheletsong o ne a di bona mme a di tsenya mo lebokosong a di tsenyetsa sukuri. O tlhalositse gore dinotshi di na le dipaka di le tharo mo ngwageng tsa go dira tsina mme gore di nne bogadi bo gaufi o di lemela sonobolomo le maphutshi, gape e le tsela nngwe ya go di tlhokomela. Fa a bua ka tlhokomelo ya dinotshi, Mme Khubu o tlhalositse gore ga di matsapa go di rua, a tlhalosa gore mo mosong le maitseboa di a tswa di ya go gama, mme se ga se mo kgoreletse go ka tsewelela ka ditiro tse dingwe go senka letseno le lengwe la madi. O tsweletse ka go re e re ka jaana a santse a le mosha mo thuong ya dinotshi, o dira tsina fela mme keletso ya gagwe ke gore fa a gola mo kgwebong a dire ditlolo tsa melomo le go bona kgwebo ya gagwe e godile e bile a ruela mo tshimong. Mme Khubu a re o rekisa fela mo bathong mme keletso ke go tswela kwa ntle go oketsa thekiso jaaka kwa mabentleleng. O kaile gore kgwetlho e tona e a kopanang le yone ke gore dinotshi tsa gagwe di longwa ke ntshi e e di bolayang le gone go falala, go bo go re a senke tse dingwe. O tlhalositse gore ponelopele ya gagwe ke go ipona a okeditse mabeelo kgotsa mabokoso a a beelang dinotshi, a hudugetse kwa tshimong ka ga jaana a santse a di ruetse mo lwapeng. Mme Khubu o kopile Batswana go tsaya mananeo a puso a a ka tlhabololang matshelo a bone mme ba seka ba itsapa ka e tlaa re mo tsamaong ya nako ba bone maduo. O lebogile puso ka seabe sa yone go mo thusa ka lenaneo la nyeletso lehuma, e bile o santse a na le keletso ya go ka thusiwa go itlatsa mo thutong e a setseng a e filwe. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Puso e tlamega go tseela beng ba leruo dikgato Puso e tlamega go tseela beng ba leruo le le senyetsang balemi dijalo tsa bone dikgato.Se se builwe ke Mothusa Tautona Dr Ponatshego Kedikilwe fa a ne a buisa phuthego ya kgotla ko Tamasane bosheng. A re puso e tshwenyegile thata ka selelo sa balemi sa ngwaga le ngwaga ka leruo le le tlogelwang le saila mo masimong ka nako ya temo. A re puso e tlamega go fetola molao gore beng ba leruo ba tseelwe dikgato tse di gagametseng, a re se se tla thusa dikgosi go sekisa dikgang tsa majo. A re mo nakong eno, beng ba leruo bangwe ga ba tsibogele dikgang tsa majo ntswa puso e dirisitse madi a mantsi go lemela balemi.Dr Kedikilwe, yo gape eleng mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare a re dikgang di tshwana le tsa bogodu ba leruo di tshwentse Batswana fela thata mme puso e ile ya tsaya kgato ka go dira dikgotla tse di sekisang dikgang tsa bogodu jwa leruo ga mmogo le go nna le batlhotlhomisi ba dikgang tse. A re dikgotla tse di tsile go thusa barui, bogolo jang ka ba ntse ba lela ka dikgetsi tsa bogodu ba leruo tse di isiwang kwa ga mmakaseterata. Mo go tse dingwe Dr Kedikilwe o kopile ofisi ya temo- thuo go tswelela ka go ruta balemi ka go ba tlhatlhelela ka temo e e tlhabologileng .A re maikaelelo a puso ka lenaneo la ISPAAD ke go oketsa thobo le go godisa temo gore e nne kgwebo e Batswana ba ka itshetsang ka yone, ka jalo balemi ga ba tshwanela go ganelela mo segologolong,ba tshwanetse gore ba dirise methale e mesha ya temo jaaka go lema ka ditselana. O rotloeditse banni ba Tamasane go tsaya temo ka tlhwaafalo, a re temo ke nngwe ya methale e ka tswakanyang itsholelo y aba ya ntsha Batswana mo lehumeng. A re fa temo e godile puso e ka felela e dirile madirelo a go dirwang dijo tse di dirilweng ka thobo e bonweng mo masimong mme se, se tlhamele Batswana mebereko. Fa a tswa la gagwe Kgosi ya motse wa Tamasane Kgosi Roman Mpule o tlhalositse fa ele boammaaruri dikgomo di senya mo masimong ka gore beng ba dikgomo ga ba di tlhokomele. A re bothata jo bongwe ke gore beng ba dikgomo ba di hudisa bosigo mme di bone tshono ya go senyetsa balemi dijalo. Mokhanselara wa motse oo Rre Ketogetswe Sekwati o rotloeditse barui go tlhokomela dikgomo tsa bone bogolo jang ka go na le tiro ya mafaratlhatlha a dipompo tse di tsenngwang go tswa ko Moralane go ya Palapye.A re barui ba tlhokomela leruo la bone le seka la hulela gaufi le fa tiro eo e dirwang teng ka le ka wela mo mesimeng e epilweng. Fa a lekodisa, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Rre Keolebile Dingalo a re o lebogetse mananeo a puso bogolo jang la nyeletso lehuma le a reng le tsamaya sentle mo motseng. O lebogetse gape le lenaneo la Ipelegeng le a reng le tla ba kgontsha go dira terata e kgaoganyang masimo le mahudiso. society 9 Bomme pilara ya ngwao - mohumagadi Mohumagadi wa kgosi ya Batlokwa o rotloeditse bomme ba Bakgatla go tswelela ka go tshegetsa ngwao. O ne a bua kwa dikgaisanong tsa moduduetso kwa Mochudi, tse di neng di rulagantswe ke mokgatlho wa Kgeleke tsa Ngwao le Moduduetso. Mohumagadi Thandie Gaborone a re Botswana o thaetswe mo ngwaong, ka jalo go a tshwanela gore Batswana ipelefatse ka Setswana sa bone. “Se le se lorang mo Kgatleng le rona re a se lora re le Batlokwa ka re eletsa go bona dikokomane tsa rona di tshegeditse ngwao,” Mohumagadi Gaborone a supa. A re Batlokwa ba na le letsatsi le ba ipelelang ngwao ka lone, mme e le keletso ya gagwe go bona se se diragala kwa Kgatleng. Mohumagadi Gaborone o tshephisitse bomme ba Bakgatla kemo nokeng, mme e le tsholofelo ya gagwe gore le bone ba tlaa ema Batlokwa nokeng fa ba lalediwa go tla go ipelela ditiro tsa Setswana ka go farologana. “Re le bomme re tshwanetse go tshwaragana ka ebile e le rona gape re agang setshaba,” a supa. O kgothaditse bomme go ikaega ka Modimo, a re ke ene fela a ka tshwaraganyanang batho ebile a ba segofatsa gore ba atlege mo maikaelelong a bone. “A mowa wa Modimo o rena magareng ga lona. Ga ke eletse gore mmaba saatane o ka senya mokgatlho wa lona,” Mohumagadi Gaborone a kgothatsa. O ne gape a rotloetsa mokgatlho go itshwaraganya le UNESCO, ka ba na le mananeo a go godisa dingwao tsa mafatshe, mme se se ka ba thusa gore ba itshetse ka bokgoni jwa bone. Mohumagadi Gaborone o rotloeditse botlhe ba ba neng ba phadisana go tshwara ka thata, go godisa bokgoni jwa bone ka ke mpho ya Modimo ebile e tshwanetse go anamisiwa gore batho ba ipelafatse. Mogokaganyi wa mokgatlho wa Kgeleke Tsa Ngwao le Moduduetso, Mme Grace Peterson a re ba simolodisitse mokgatlho o ka ba ne ba tshwentswe ke seemo sa go tlhoka go ipelela ngwao kwa Kgatleng. “Merafe e mengwe mo Botswana e tsweletse pele, mme re ne ra bona gore a le rona re seka ra salela kwa morago,” Mme Peterson a supa. A re le fa mokgatlho o ise o digele ngwaga, ba setse ba segile tema mme ba eletsa gore ngwaga o o tlang, ba nne le letsatsi la go ipelela ngwao. Mme Peterson a re tshesego ya go simolodisa mokgatlho o, e ne e le go ruta bomme tiro ya diatla, mme ga ba a kgaphela borre kwa thoko ka ba amogelesega go tsenelela mokgatlho. “Maikaelelo a rona ke go amogana dikitso ka tiro ya diatla gore re kgone go dira letseno le re ka itshetsang ka lone re tokafatse matshelo a rona,” Mme Peterson a tlhalosa. A re ba eletsa gape go nna le letsatsi la mmaraka go rekisa dithoto tsa bone. Mo kgaisanong ya moduduetso, ba ba phadisanang ba ne ba le 12, gareng ga bone, rre a le mongwe. Go ne go na le meduduetso e e farologaneng, jaaka wa go isa thupa kwa kgotleng, go gorosa ngwetsi mo lapeng, go amogela balalediwa ba tlotla, wa leboko, wa koma le ya go isa thobo ya ntlha kwa kgatleng. Mme Alice Tlhase o ne ikgapela maemo a ntlha, a salwa morago ke Mme Mmonki Molefe, ga garela Mme Kefilwe Matlapeng mo maemong a boraro. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Banana ba itshetsa ka dihutshane tsa LIMID Mo Lerala mo kgaolong ya Tswapong Bokone go borre ba babedi ba banana ba ba tlholegang mo kgotlaneng ya Mpeo. E ne yare go latlhegelwa ke letseno bakeng la go tswalwa ga moepo wa Lerala ka 2017 ba seka ba itshopara mme ba tsenya kopo le ba lenaneo la dipodi tsa LIMID. Mongwe wa borre bao, Rre Duncan Bataatweng yo o dingwaga tse di masome mabedi le borobabobedi o boletse mo potsolosong fa e ne ya re ka 2017 Ngwanaatsele a tsenya kopo ya dipudi tsa LIMID mme e ne yare mono ngwaga ka Motsheganong a bo a amogela dipodi tsa LIMID di oroba bongwe. O boletse fa a tlhokomela dipodi tsa gagwe kwa masimo e bile a eletsa go di bona di mo jesa, mme ebile a supa faa ikaelela gore di mo thuse mo thulaganyong ya tsa lenyalo kaa batla go nyala. Rre Lucky Mokgatlhe wa dingwaga tse masome mararo le bongwe le ene fela jalo o boletse fa a ne a latlhegelwa ke mmereko ka ngwaga wa 2017 ko moepong wa Lerala. Fela jaaka Rre Bataatweng, Rre Mokgatlhe o ne a amogela dipodi ka lenaneo la LIMID mono ngwaga morago ga go tsenya kopo. Bobedi jo bo boletse fa bone bo berekela mo lephateng la tsa metlakase e ba supileng fa ba e ithutetse mo tirong mme ba nna ba tlhatloga le nako mo tirong ya bone. Ba boletse fa ba simolotse go bereka mo moepong wa Lerala ka ngwaga wa 2011. Ba boletse fa moepo oo o ne o tle o tswalwe mme morago o bulwe ka jalo bone ba ne ba sala mo go one ba tsweledisa ditiro tse dingwe, go fitlha otla go tswalwa ka 2017. Rre Mokgatlhe o boletse fa a ne a latlhegelwa ke dilwana tsotlhe tsa ntlo tse aneng adi rekile ka sekoloto a santse a bereka mo moepong bakeng la go palelwa ke go feleletsa dituelo mme se are se ne sa mo gwetlha go ema ka dinao mme a inaakanya le mananeo a puso. Bobedi jo bo boletse fa bo ne jwa itlhophela lenaneo la dipudi ka bare le bogadi bo gaufi gape ga di tlhoke dithutego tse di rileng ba di disetsa fela mo masimong a a gaufi le motse. Ba supile gore fa goka diragala gore ba busetswe mo tirong batla ikaelela go tlhamela bangwe ka bone mebereko kago ba thapa gore ba sale ba ba diseditse mme go se nneng jalo ba boletse fa ba ikaelela go ya golo gongwe ka thuo ya bone. Bobedi jo bo setse bo tlhomile matlo a dikoko mo malwapeng, ka ba re ke nngwe tsela ya go tsholetsa letseno la bone go itsa go lebagana le dipoelo tsa dipodi fela. ENDS economy_business_and_finance 3 E a re go tlogelwa tsatsing... Motswana o sale a buile gore ya re go tlogelwa tsatsing, se ikise meriting. Seane se, se maleba thata fa re leba bomme le borre ba thuto ga e golelwe ba ba tsenelang kwa sekoleng se sebotlana sa Masokola mo Serowe. Setlhopha se, se se eteletsweng pele ke morutabagolo Mme Ania Bosekeng se ipitsa O Tsosa Nna le Wena, mme se dira dijeme, mebanki ka dipampiri, atchar le go roka dibaga. Mokgatlho o, o na le maloko a le borobabobedi mme botlhe ba tsena sekole sa bagolo, bomme ba le barataro le borre ba le babedi. Mo potsolosong le lekalana la dikgang la BOPA, moeteledipele wa bone Mme Bosekeng o tlhalosa fa mo dithutong tsa bagolo go na le tsa ditiro tsa diatla. A re leina la bone le tlhalosa gore fa mokoko o lela maphakela o tsosa batho botlhe, mme ka jalo ba bona go le molemo go ipitsa jalo. O ne a tlhalosa fa lenaneo-thuto la bone le ama dikitso tsotlhe tsa ditiro tsa diatla e bile bagolo ba, ba kgona go rutana ka bo bone. Mme Bosekeng a re ka mokoduwe go tsoswa o o itekang, e rile ka ngwaga wa 2012 a simolola go ruta setlhopha se, a fitlhela bontsi jwa bone ba itse dikitso dingwe tsa ditiro tsa diatla di tshwana le go loga dibaga, go dira dijeme, le go dira atsha go inamola mo lehumeng. A re mokgatlho o wa O Tsosa Nna le Wena ke mokgatlho fela o o kwadisitsweng ka fa molang, mme e bile o simolotswe ka go kokoanyana madinyana, mongwe le mongwe a ntsha mo pateng ya gagwe gore ba o tlhame. O ne a tlhalosa fa mokgatlho o o na le komiti e tona e bile gape gangwe le gape ba kanoka le dibuka tsa bone. A re ba dira dijeme tsa maungo di akaretsa marotse, dinamune, surinamune, murubele, ditamati le magapu, a tlatsa ka gore go dira dijeme mo, ke ene a neng a ruta setlhopha ka a ne a na le dikitso le bokgoni. A re go dira atsha gone bangwe ba setlhopha se ba ne ba ya kwa Kanye kwa National Food Technology Research Centre (NFTRC) go ya go ithuta go le go ntsi ka go somarela merogo, mme fa ba tswa teng ba feta ba ruta ba bangwe. O boletse fa dijo tsotlhe tse ba di dirang di tswa go kanokiwa gone kwa NFTRC mme di siametse go ka jewa. Fa go tla kwa go logeng dibaga, a re gone ba rutilwe ke moithuti ka bone Rre Batsile Kobedi, yo o sa iponang tsapa go tsena sekole le bomme ba kgotlana ya ga bone. Mme a tlhalosa gore bontsi jwa maloko ke balemi. Ka dikgwetlho tsone di seke di tlhokega gope fela, o ne a tlhalosa fa mathata a ba agang ba kopana le one gantsi e le maungo a gantsi a bonalang ka dinako tsa letlhafula mme fa a fela ba patelesega go reka. O ne a tlhalosa fa theko e se mathata ka le jaanong ba mo dipuisanong le lebenkele le legolo la Choppies gore ba le fepe ka dijeme tsa bone gore ba di rekise mo mmarakeng. A re ka mookodi wa pula o beeletswa ntlheng tsotlhe, ba tsamaya mo motseng wa Serowe, ba tsenelela ditshupo go ya go supa tse ba di dirang, mme setshaba se ba amogela ka dipelo tse di tshweu, a tlatsa ka go supa fa ba kile ba tsenelela ditshupo tsa temo-thuo kwa Letlhakeng le kwa Serowe go ipapatsa. Mme Bosekeng a re fa gongwe ba tsenelela dikgaisano tsa baithuti ba thuto gaegolelwe mme ba tswe fela ka maduo a a nametsang. Le fa go ntse jalo, o boletse fa ba kgobiwa marapo thata ke ka fa puso e sa ba tseyeng tsia ka teng, a tlhalosa gore ba ne ba ka eletsa go fepa dikole ka jeme mme sebe sa phiri ke gore ba tshwanetse go ipatlela ditiro tsa teng fela jaaka dikompone tse di kgolo. A re le bone fela jaaka balemi ba e reng ba robile gole go ntsi ba fepe dikole, ba ne ba eletsa go ka dira jalo bogolo thata sekole sa Masokola se ba tsenelang mo go sone. O ne a tlatsa ka gore e re le ntswa tiro ya bone e kgolo e le go ithuta, ba tlhophile letsatsi la Labone go dira ditiro tshotlhe tsa diatla di akaretsa le gone go dira dijeme. E rile a tswa la gagwe modulasetilo wa setlhopha, Mme Galebolokane Sepela, a tlhalosa fa ba na le maikaelelo fela a mantle a go bona gore mokgatlho wa bone, bogolo thata wa kgwebo ya jeme o a tswelela. Mme Sepela a re ba ka rata thata fa ba ka fiwa setsha gore le bone ba nne le felo kwa ba ka direlang gone. A re gape ga ba na dipitsa tse dikgolo tse ba ka apeelang mo go tsone le ditofo, selo se a reng gape se ba ba ya ka fa mosing mme ka ba ipaakanyeditse go fenya dikgwetlho tsotlhe ba tsile go ntsha ga tshwene. O ne a kopa thotloetso mo Batswaneng, a tlhalosa fa dinako di fetogile thuto e sa golelwe jaaka ya maloba, mme e bile go dirwa ditiro tse motho a ka itshetsang ka tsone le ba lelwapa la gagwe. economy_business_and_finance 3 Ba Mogorosi ba nna mo letshogong la ditlou Banni ba Mogorosi kwa kgaolong ya Legare ba tlhalosa fa ba tshelela mo letshogong le legolo tebang le go gobeya ga segopa sa ditlou mo tikologong ya bone. Fa a bua mo potsolotsong bosheng,kKgosi wa motse oo rre Kago Pherethego o ne a tlhalosa fa ditlou tseo tse a kaileng di le mmalwa ka palo di bonwe ke bangwe ba banni ba motse oo kwa masimong a Maleejane a dikhilomethara di seekae fela le motse. Kgosi Pherethego a re ke sa ntlha ba nna le tlhagogelo ya diphologolo tsa naga di tshwana le tse mo motseng wa gagwe mme a tlhalosa fa ba begetse ba lephata la diphologolo le makgabisa naga la ofisi ya Serowe go ba tswa thuso. Mo potsolotsong mogolwane wa lephata la diphologolo le bojanala kwa ofising ya Serowe Rre Modibe Mangole o ne a rurifatsa fa seo e le boammaaruri a tlatsa ka go tlhalosa fa ditlou tseo di setse di aname le kgaolo ya Legare mo mafelong a tshwana le Palapye, Radisele, Mabeleapodi le mafelo mangwe a dikgaolo tsa Tswapong. O tlhalositse fa mo dingwageng tse di fetileng ba ne ba a tle ba begelwa dikgang tsa mofuta o tsa go tlhagoga ga ditlou mme gompieno palo ya tsone e le e e kwa godimo fela thata. Ka jalo a re ka go le paka ya temo ba na le pelaelo ya gore di ka tla tsa baka tshenyo e e senkana ka sepe kwa masimong. A re ba setse bana le dipego tsa tshenyo tsa diterata tsa masimo mme a tshephisa banni gore ba tla dira ka bojothe go leka go laola seemo sa tsone go boela mo taolong. Rre Mangole o bile a kopa banni ba kgaolo ya Legare go nna podi matseba ka nako tsothe a re ba tshwanetse go ikela tlhoko mo metsamaong ya bone gope fela kwa ba go tsamayang mo tikologong eo, a re di ka nna borai fela thata mo matshelong a bone. A re tlou ke phologolo e e sa tsamaisaneng le ntsa, ka jalo a tlhagisa banni bao gore fa ba di bona ba seka ba di kuelela dintsa. BOKHUTLO society 9 Dikereke tsa semoya di rotloediwa go tsenya letsogo Tautona wa lekgotla la dikereke tsa semoya la Organization of African Instituted Churches (OAIC), Bishop Tebogo Motlhagodi o kgothaditse maloko a lekgotla le go thusa go tlhabolola lefatshe. Bishop Motlhagodi, yo o lebogeleng maiteko a Tautona wa lefatshe leno a go ogola Batswana mo lehumeng, a re dikereke le tsone di tshwanetse go nna le seabe go fokotsa letlhoko la ditiro le le kwa godimo. Bishop Motlhagodi yo a neng a bua kwa phuthegong ya go tisa morero kwa malokong a lekgotla le,ka matlhatso kwa kerekeng ya Tshenolo Apostolic church kwa Serowe a re dikereke di tshwanetse nna le mananeo a a itebagantseng le fo fokotsa manokonoko a lehuma go thusa bogolo jang banana. “Re na le tshimo kwa Matshelagabedi re tshwanetse ra e dirisa go dira ditiro” a tlhalosa Tautona wa lekgotla leo o ne a tlhalosa fa dikereke tsa semoya di nyadiwa a re se se dirwa ke gore bangwe ba dikereke tseo ba dira ditiro tse di sokameng. O ne a gakolola phuthego gore dikereke di romilwe go tisa poloko mo bathong ebile fa ba ba leba,ba bona sefathego sa modimo le gone go nna tsholofelo. A re ditiro tsa bone di tshwanetse tsa itumedisa yoo o ba rumileng ‘ebong Jeso keresete.’ Bishop Motlhagodi yo o supileng gore mo pusong ya ga Mmamosadinyana dikereke tsa semoya dine di kgorelediwa go rapela, mme tsa gololesega morago ga boipuso o supile matshenyego ago tlhoka go gola ga kereke tseo. A re dintwa mo dikerekeng di baya lekgotla ka fa mosing ebileng lekgotla le tsaya nako e ntsi le leka go letanya phuthego gona le go thabolola dikereke. Bishop Motlhagodi o kaele gore go nna le maloko ale lekgolo le masome a mathano (150) a dikereke mo lekgotleng la OAIC a re go supa gore ba lebanwe ke namane e tona ya go oketsa maloko a bone. O ne a kopa phuthego go tsaya boikarabelo jwa go thusa baruti ba bone , a tlatsa ka gore ga go thona gore ba ka ba rekela koloi gore a kgone go dira ditiro tsa kereke. Bishop Motlhagodi o ne a kopa phuthego go aga lekgotla OAIC mmogo , a tlatsa ka gore fa bomme ba neetse boikarabelo kgotsa maemo ba emiwe nokeng gona le go dira gore ba palelwe. Phuthego ene ya rolelwa molao motheo wa lekgotla leo. Rev Thomas Letshweti wa kereke ya St john’s Apostolic church of prophecy a re go nna le molao motheo ga lekgotla le go raya gore dikere tse eleng maloko ba o sale morago. Motiakone wa kereke ya Eloyi Christian church, Mme Iren Kabomo le ene one a supa fa molao motheo ele yone tsamaiso ya kereke tsa bone ka jalo o tshwanetswe wa salwa morago. Gotswa ka ngwaga wa 1964,kereke tsa semonya mo Botswana dine di diresa lekgotla la OAIC le le itebabantseng le borwa jwa Afririca ka bophara go fithelela ba dira oo itebagantseng le kereke tsa semoya Botswana ngwaga wa 2013, ka Phukwi Mo go tse dingwe, Bishop Motlhagodi o ne a tlhalosa fa ba tla keteka letsatsi la lekgotla leo ka 30 Motsheganong kwa Palapye. religion_and_belief 8 Bagodi ba abelwa materase Mokhanselara wa kgaolwana ya Boseja Bophirima kwa Maun o abetse bagodi materase. E rile a buwa mo phuthegong e e neng e tshologetswe kabo ya materase ao mo Kgotleng ya Boseja Bophirima mokhanselara wa kgaolo Rre Vepaune moreti a re o bonye go tshwanela go re le ene e le moemedi wa setshaba a nne le seabe go thusa puso fa e tlhaelelwang tleng. Moreti o tsweletse ka go re o abela bagodi materase ka moono o mongwe fela wa lorato ka le tautona wa lefatshe leno a rotloetsa mowa o mo setshabeng. O tsweletse ka go re puso ke puso ka batho ka jalo go re puso e fitlhelele maitlamo a lefatshe leno a (vision 2016) ke fa setshaba se tsentse letsogo ka tlhoafalo. Vepaune Moreti o gakolotse setshaba go tshwara dithuso tse ba di fiwang ka matsetseleko gore ba se boele mo botlhoking. Moreti o tsweletse ka go tshepisa setshaba go tlhama letsatsi la bagodi gore ka letsatsi le bagodi ba atamelane go gakololana le go ruta banana ka dingwao le ditiragalo tsa maloba. E rile a tswa la gagwe mma boipelego wa kgaolo mme Thato Chipuka a re ke boitumelo jo bogolo thata go bona setshaba se ikemiseditse go thusa puso go fedisa lehuma la nta ya tlhogo a re se se tshwanetse sa dirwa ke Motswana mongwe le mongwe ka se ba nang naso. Mmaboitekanelo wa Kokelo potlana ya kgaolo ya boseja kubung mme Reginah Tuvare o ne a a tsaya sebaka go kgothatsa setshaba go nna le tirisano mmogo ka nako ya fa go tshelwa molemo o o bolayang montsana mo matlong a bone, a re ba tshwentswe thata ke batho bangwe ba ba ganang matlo a bone a tshelwa molemo ka seipato sa gore molemo o o diphatsa mme a re go bakwa ke go sa tsaya ditaelo sentle ga setshaba. O tsweletse ka go tsibosa setshaba ka bolwetse jo bo tlhagogileng jwa letshololo mo baneng mme a re ba tshwenngwa thata ke go sa ise bana kokelong ga batsadi ba sa ntse ba dikologa le bo reaitse mme go feletse go baka tatlhegelo ya matshelo. BOKHUTLO society 9 Ba ngongoregela itshireletso Babereki ba moepo wa Mowana ba supile matshwenyego a gore moepo wa Mowana ga o sale morago tsamaiso ya melawana ya tsa khiro. Ba buile seo kwa Dukwi mo bosheng, fa ba ne ba tlhalosetsa komiti ya lephata la tsa phereko le selegae gore ga go na dilwana tsa itshireletso mo tirong tse ditlhwatlhwa. Mookamedi wa lekgotla la tsa babereki ba moepo, Rre Sebereki Baakile, a re khiro e e dirwang mo moepong oo e bofitlha, a tlatsa ka gore ba bona motho a tla fela ba sa a itse kwa a tswang teng a tla go bereka foo. O ngongoregile gape gore ba nna ba solofediwa fa dipalo tsa batswakwa di tlaa fokodiwa fa dikonteraka tsa bone di wela mme se ga se diragadiwe. Rre Baakile o tswelelela a re bangwe ba na le dingwaga di ka tshwara masome a matlhano go ya go masome a borataro ba ntse ba dira mo moepong mme ba sa tlhalolosiwe maemo. A re se sengwe ke babereki ba ba tlhapiwang ka nakwana ba nna ba okelediwa dikonteraka ka kgwedi tse pedi go fitlhelela ba tshwara dingwaga tse tlhano ba ntse ba sa tlhabiwe, a tlatsa ka gore seemo seo se a tshwenya. Rre Baakile a re fa ba leka go ipoletsa gore matsapa di a tsaya kae ka tsamaiso ya tsa khiro e e sa tlhamalalang mo moepong oo, go na le matshosetsi a gore ba se ka ba lebala gore dikonteraka di a fela ka jalo batho ba bereka ka letshogo ba tshaba go latlhegelwa ke ditiro. A re bangwe ba sale ba bereka le fa le go isiwa dithutong tsa go ikoketsa mme ngwaga le ngwaga go na le lenaneo la ithutuntsho mme ga le diragadiwe. O ikuetse thata ka lorole lo lo tswang mo moepong oo, le e bileng le amile tikologo le masimo a batho a re fa e le tsela yone ke mathata fela ba e gopa fa ba utlwa go twe bagolwane ba etla. Mopalamente wa Chobe Rre Gibson Nshimwe, o ne a rotloetsa mookamedi wa lekgotla la tsa babereki ba moepo go re ba tshwaraganele matshwenyego a babereki ka go buisana le boeteledipele mme fa go padile ke gone ba ka fetelang kwa pele kwa go ba batona ba lekgotla la babereki. A re ga ba atla go rarabolola matshwenyego a bone mme se ba se dirang ke go tla bona gore ba tshela jang mo moepong le go tsaya megopolo go e fetitsetsa kwa go ba ba tshwanetseng. Rre Nshimwe a re go diega ga diphetolo tsa dikgang ke gore ba tsamaya lefatshe ka bophara, a tlatsa ka gore nako dingwe ba bo ba ile kwa dipolaseng ka dikgang tse di amang lephata la tsa pereko le selegae. O ba eleleditse masego le matlhogonolo mo tirong ya bone go dira ka natla le ka bonokopila. Bokhutlo society 9 Mogokgo o kopile batsadi go tlotla thuto Banni ba kgotla ya Sedie kwa Maun ba kopilwe go tlotla le go ema nokeng thuto ya bana ba bone ka jaana e le yone fela e ka ba tlhabololong. Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Mathiba, Rre Noah Kebafitlhetse o gwetlhile banni mo phuthegong ya batsadi le barutabana go itse fa thuto e le mosola mo ngwaneng le itsholelo ya lefatshe. A re go botlhokwa gore batsadi ba tsee karolo mo thutong ka go ba tshwaragana le barutabana, a tlatsa ka gore bobedi joo bo tshwanetse go rotloetsa bana go tsaya thuto tsia. Rre Kebafitlhetse o tsibositse batsadi gore puso e tshela madi a mantsi mo thutong, ka jalo go botlhoka gore ba nne le seabe ka go tlhokomela dibuka tsa bana, go lomagana le barutabana, go duela madi a sekole le a ditlhabololo le gone go rotloetsa bana go bala le go dira tiro ya sekole kwa lwapeng ka nako tsotlhe. Mogokgo a re ba a tshwenyega ka gantsi baithuti batla sekoleng ba sena dibuka, fa bangwe ba di latlha mme bangwe ba nyelela fela mo sekoleng morago ga go fiwa dibuka mme seo e nne tatlhegelo e tona mo pusong. Rre Kebafitlhetse o tlhalositse gape gore tirisanyo mmogo fa gare ga bogogi jwa sekole le batsadi e ka dira gore sekole se fitlhelele maikaelelo a sone, mme a kopa batsadi go tsibogela dipitso ka nako tsotlhe. O kopile batsadi go netefatsa gore bana ba tsena sekole sentle ebile ba phepa ka nako tsotlhe. Mogokgo a re ba a tle ba amogele dikgang dingwe tsa bana ba ba emelelang kwa malwapeng ba re ba ya sekolong mme ba ikele go sele, a re gona le sekgwa go bapa le sekole mme go utlwala fa baithuti ba tlhola teng ba iphitlhile. A re e re le ntswa batsadi bangwe ba itse ka seemo seo, ga ba bolelele ba ba tshwanetseng. Mogokgo wa sekolo se segolwane sa Sedie, Mme Senatla Mokobela le ene o ne a kaya fa go tlhoka go tlhokomela thuto go tshwenya. O ne a rotloetsa batsadi go lebelela dibuka tsa bana fa ba tswa sekolong go bona gore ba dira jang. O gateletse gape botlhokwa jwa go tsena diphutego tsa sekole ka jaana go neela batsadi le barutabana sebaka sa go fana megopolo go tlhabolola thuto ya bana. Bokhutlo education 4 Bomme ba UCCSA ba farologana ka megopolo Bomme ba kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) ba farologana ka megopolo mo kgannyeng ya gore a ke kereke eo e fetole tsamaiso ya yone e kgologolo e tsamaisiwe ka tsamaiso e ntsha ya dikereke tsa semoya. Kgang eo e ne ya buiwa ka Matlhatso kwa bokopanong jwa bomme kwa Maun kwa go neng go na le bomme ba Botswana, Afrika Borwa le Zambia. E ne e le nngwe ya dikgang tse di tshwanetseng go buiwa ka go lebega e ntse e kukela e bile e setse e ntsheditswe lekoko go tsaya megopolo gore e tle e bone tharabololo. Fa a rola kgang, Moruti Malebogo Mothibi yo e leng mongwe wa lekoko le le romilweng go batla maikutlo ka kgang eo o ne a kopa bomme go ntsha maikutlo a bone ba phuthologile gore a ba batla kereke e tsamaisiwa ka tsamaiso ya semoya ka na jang. O ne a ba kopa gore ba tlhalose fa go na le sengwe se se sa ba itumediseng kana se ba kgoreletsa mo kobamong kana mokgwa o go tsamaisiwang ka o ne, a re ba a itse gore kgang eo e dule ngogola kwa bokopanpng jo bo neng bo tshwaretswe kwa Lobatse mme go ne go setse fela gore bomme ba ntshe maikutlo a bone. Fa ba akgela, bomme bangwe ba ne ba supa fa ba se na mathata le phetogo ya go nna kereke ya semoya ka ba re e botlhokwa e bile e ba ruta gore ba tsene mo sekereseteng ka e bile ba setse ba kgona le gone go ipalela Baebele. Ba re tsamaiso ya pele buka e e boitshepho eo e ne e balwa ke moruti fela. Mme Olivia Ketlogetswe le ba bangwe ba ne ba tlhalosa fa tsamaiso ya semoya e le teng mo lekwalong le le boitshepo e bile e dira gore ditiro tsa yone di bonale. Ba re bone ba e rata thata le ka fa go opelwang ka teng ke ba thoriso go ba suteletsa gaufi le Modimo. Ba re bone ga ba bone phoso epe ka ba dumela gore moopelo wa thoriso le diletswa tsa teng di suteletsa batho gaufi le Modimo e bile le seporofito ba se rata thata. Le fa go ntse jalo bangwe ba re bone ga ba rate diletswa di ba tsosetsa modumo. Mme Kealotswe Edzani o tlhalositse fa ene a sa rate modumo gotlhelele, a re e bile ga a rate gore go bo o dirwa le ka nako ya selalelo. Mme Masego Kewagamang a re o bona le yone tlotlo ya lefelo la thero e wetse kwa tlase fa e sale tsamaiso ya fire e tsena, a re go kgona go buiwa dipuo tse e seng tsone fa lefelong leo. A re bone ba ne ba itse gore fa motho a eme koo ga a ipuele jaaka a batla. A re go tla ga tsamaiso ya fire go dirile gore maloko a seka a tshephana. Ba bangwe ba ne ba supa fa ba sa rate seporofito e bile ba tlhalosa gore se tlaa ba tshabisa kereke ka ba re ga go bilediwe batho kwa sephiring mme go phantshiwa fela. Monnasetilo wa mokgatlho wa bomme, Moruti Patience Pheko a re bomme ba kereke eo ba a kopana ngwaga le ngwaga go ntsha dipego, go tlhopha komiti e ntsha le go kopanela tse di saletseng morago. O tlhalositse fa ngwaga le ngwaga kwa ba kopanelang teng ba leka go thusa fa ba kgonang teng mo botlhoking jo ba bo bonang. Ba ne ba thusa sekole se segolwane sa Maun ka didirisiwa tse di tlhatswang gore sekole seo se nne se le phepa. A re ke maikaelelo a bone gore ba nne ba dira tiro ya mautlwelobotlhoko. Ba ne ba thusa gape ba lekgotlana le le lwantshang bolwetse jwa kankere ka melora le mesangwana ya bomme. O tlhalositse fa ba batla go tswelela ba lebelela letlhoko le le leng teng kwa sekoleng sa Maun Senior gore ba se thuse mme a re ba ne ba akanya go thusa ka go baakanya dikago tsa sekole seo fela jaaka ba dirile ka sa Moeding kwa ba neng ba reka materase le malao ka e bile dikole tseo e le tsa bone. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Lephata le simolodisa go rupisa masea Lephata la botsogo le simolodisitse tiriso ya di dirisiwa tse di sha tse di dirisiwang mo go rupiseng masea. Mogokaganyi wa lenaneo la Safe Male Circumsion, Rre Conrad Ntsuape a re di dirisiwa tse pedi tse ke tsa maemo a a kwa godimo fela thata. A re go rupisa mo , ga go tlhoke gore ngwana a idibadiwe e bile ga go dire gore madi a tshologe, a tlatsa ka gore ntho ya learo e tsaya malatsi a supa fela go fola. Rre Ntsuape a re di dirisiwa tsa Mogan Clamp le AccuCirc di tla dirisiwa mo maseeng go simolola ka ba ba nang le dioura dile boroba bobedi ba tshotswe go fitlha ka ba ba dikgwedi tse pedi. A re go tla rupisiwa masea a a itekanetseng a bokete jwa dikhilokerema di le 2.5 a nale bonna jwa boleele jwa sentimethara le go feta. O tsweletse a re pharologano fa gare ga di dirisiwa tse pedi tse ke gore Accucirc e a latlhwa morago ga tiriso fa Mogan Clamp e dirisiwa fa go dirwa loaro lwa batho ba le bantsi mme bogolo thata fa ditlamelo di leng boutsana teng. A re sa teng se se latlhwang ke dikgare fela. O tlhalositse fa mogopolo wa go amogela di dirisiwa tse pedi tse o tsile morago ga ditherisanyo tse di tsereng lobaka di itebagantse le go amogela go rupisa masea a basimane e le bontlha bongwe jwa go thibela HIV le go tokafatsa botsogo jwa borre, tse di neng di dirwa ke puso ya Botswana e tshwaragane le ya Amerika ka Havard Institute ka 2008. A re tshekatsheko e, e dirlilwe gape ka tumalano ya bomme ba ba tsotseng masea a basimane mo Botswana, e maduo a yone a supang fa bontsi jwa bomme ba amogela gore masea a rupisiwe, fa ba se kae fela ba ne ba supa fa ba sena kgatlhego ya go tsaya karolo mo dipatlisisong. Rre Ntsuape a re go rupisa masea ke selo se se ka bong se sa bolo go dirwa ka gonne lefatshe le, e le lengwe la a le lesome le bone mo Aferika a a tshwanetse go godisa go rupa ga basimane ga mmogo le borre. O tlhalositse fa go tsaya kgato ya go rupisa masea, go tla jaana morago ga go dirwa ga dipatlisiso ke ba World Health Organisation mo go supileng fa mafatshe ao a nale dikgang tse di kwa godimo tsa HIV, fa go rupa ga borre go le kwa tlase. A re dithuto mo go diriseng di dirisiwa tse di fiwa baoki ba ba rutetsweng go belegisa le dingaka, a tlatsa ka gore didirisiwa di tla abelwa dipatela tsa Sekgoma Memorial, Mahalapye, Maun le dikokelwana tse dingwe tse di nang le tsa pelegi mo Gaborone le tikologo. BOKHUTLO health 6 Seametso ke modulasetilo wa khansele ya Borwa Makhanselara a kgaolo ya Borwa a tlhophile mokhanselara yo o itlhophetsweng ke tona Rre Alec Seametso go nna modulasetilo yo mosha wa khansele eo. Makhanselara a dirile se mo phuthegong e e faphegileng ya khansele maabane (Ngwanatsele 1) . Ditlhopho tse di tla jaana morago ga gore setilo se sale se sena ope, morago ga gore modulasetilo wa khansele eo wa pele, Rre Mephato Reatile, a itlhophiwe gonna mopalamente ka kgwedi ya Phalane e le masome a mabedi le bosupa. Rre Seametso, yo a ntseng a le mothusa modulasetilo wa khansele, o ne a tlogela maemo ao go emela a bodulasetilo, mme a atlega mo ditlhophong tsa bodulasetilo a sena moganetsi ka jaana diphathi tsa kganetso di ne di sa tsenya maina a ba ba ka phadisanyang nae. Maemo a mothusa modulasetilo a ne a tsewa ke mokhanselara wa kgotlana ya Mafhikana, Rre Thamiso Chabalala, yo le ene a neng a eme a le nosi. Rre Chabalala o ntse a tshegeditse maemo a mothusa modulasetilo wa khansele potlana ya Kanye. Mo molaetseng wa gagwe morago ga ditlhopho, Rre Seametso one a lebogela tlhopho eo a re e tlaa nna ditso mo khanseleng ya borwa ebile e le letsatsi la matsalo a gagwe. Mokhanselara Seametso a re toro ya gagwe ke go bona makhanselara le bodiredi ba kopane ba dira mmogo ka lerato go sena ope yo o fitlhelang yo mongwe se a tshwanetseng go se itse. O tlhalositse gore tiro ya mokhanselara ke gore ditirelo di goroge kwa setshabeng, a re gape, lepolotiki le tshelela go isa thomo ya se a se romilweng ke batlhophi, go le monate kgotsa bosula, o kgothaditse makhanselara go itlamela- adimo go direla lefatshe leno ka botswapelo. A re ga ba a dira mo go kgotsofatsang mo lebakeng la dingwaga tse pedi tse di fitileng, a re ka jalo se se raya gore ba goletse dikausu, go sena ope yo o adimang tshwene marapo, a tlhalosa gore se setona ke go tshweledisa se ba se simolotseng le Rre Reatile. Mokhanselara Seametso a re khansele ya Borwa e ka ntsha maduo fela fa go na le tirisanyo mmogo, a re ke keletso ya gagwe go bona modiredi mongwe le mongwe wa khansele a tshela monate, a gatelela ka gore ga a batle go bona ope atswa dimo mo go yo mongwe. A re o ka kgona tiro fela ka kemonokeng ya bodiredi le makhanselara a re le ene ke motho o ka dira diphoso mme o batla go gakololwa le go kgalemelwa sentle, are ga a batle go utlwa diphoso tsa gagwe di utlwala kwa motseng. BOKHUTLO politics 7 Somarelang thothi Banni ba Makwate kwa kgaolong ya Mahalapye East, ba kopilwe go fokotsa go nosa leruo la bone metsi a morafe. Mafoko a, a builwe ke tona wa lephata la ditswammung, kgotetso le metsi, Rre Kitso Mokaila, kwa phuthegong ya kgotla, e e neng e tshwerwe ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama kwa motseng oo bosheng. Rre Mokaila a re metsi a a tlhaela mo lefatsheng ka bophara, mme e bile gape matamo le one ga a mantsi, ka jalo batho ba tshwanetse go somarela thothi e e leng teng. O ba kopile go dupa didiba tse ba ka ipopang ditlhopha gore ba kgone go nosa leruo la bone mo go tsone. A re metsi ke mpho ya Modimo, fa a fela ga go na kwa a dirwang teng, ka jalo batho ba a dirise ka kelelelo. Rre Mokaila o kopile Batswana ka kakaretso go boela mokgwa wa go beeletsa metsi a pula, a re ke gone fela go ka kgonang seemo sa gompieno ka batho ba ka a dirisetsa ditiro tse dingwe di tshwana le gone go nosa leruo. E ntse e le dikgang tsa metsi, tona o ne a tlhalosetsa batho ba Makwate gore mathata a metsi a motse wa bone a dirwa ke go thubega ga diphaephe ka di tsentswe mo lekgarapaneng. Ka dikgang tsa dituelo tse di kwa godimo, o ne a tlhalosa fa lephata la metsi le kile la bo le na le mathata a go ntsha dipampiri tsa dituelo ka nako mme se se bake gore di kgobokane mme madi a nne kwa godimo. Tona Mokaila o ne a kopa gore botlhe ba ba sa ntseng ba bona dituelo tse di kwa godimo, ba ikopanye le ba ofisi ya metsi go batla ditlhaloso. BOKHUTLO society 9 Badirelapuso ba kopiwa go duela VDC Badirelapuso ba kopilwe go duela madi a khiriso ya matlo a komiti ya ditlhabololo gore e kgone go dira ditiro tse dingwe go tlhabolola motse wa bone. E rile mopalamente wa Mochudi Bophirima, Rre Gilbert Mangole, a lekodisa banni ba motse wa Dikgonnye ka dikgang tsa palamente ka Labobedi, a supa fa dikgang tsa dikoloto tsa madi a go hirisa matlo a komiti ya ditlhabololo di tsweletse ka go tshwenya. A re go tlhabisa ditlhong gore motho a nne mo tlung ya komiti eo mme a bo a sa duele mo ngwaga o kgonang go fela a ise a duele sepe. A re komiti ya ditlhabololo e tshwere phage ka mangana go bona madi ao mme e bile bangwe ba setse ba ile go berekela kwa dikgaolong tse dingwe ka melatsa ya dikoloto tsa komiti eo. Mopalamente o kopile komiti ya ditlhabololo go ema ka dinao go batla madi ao ka gore a ne a ka ba thusa go dira ditiro tse dingwe jaaka go tsenya motlakase mo matlung a bone le gone go aga a mangwe go oketsa letseno. A re mo bokopanong ja gagwe le komiti eo ba ne ba supa fa ba na le kgwebo ya ditena mme e sa dire sentle ka jaana madi a bone a felela mo go rekeng motlhaba. Rre Mangole a re e re ka jaana ba tshwanelwa ke go hira koloi e e ba tseelang motlhaba, go ba ketefaletsa kgwebo mme o ne a ba solofetsa fa a tla bua le khansele go bona gore e ka ba thusa jang bogolo go ba tseela motlhaba mme tse dingwe ba ka di itirela. Mopalamente o ne a supa fa tiro ya komiti ya ditlhabololo e le ntsi fela thata e bile e tsaya nako ya leloko go direla morafe. A re ka jalo go tsile nako ya gore dituelo tsa maloko a komiti eo di okediwe ka gore madi a ba a bonang a le kwa tlase fela thata mo e bileng gosena ope yo o batlang go bereka mo komiti eo bogolo jang ka madi a Ipelegeng a le botoka mo go a bone. Rre Mangole a re mo puisanong le maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Dikgonnye, ba supile fa seriti sa komiti eo se ntse se ya kwa tlase mme dilo di thatafalela pele. A re ka jalo o tla isa tshutiso kwa palamenteng gore dikomiti tsa ditlhabololo lefatshe ka bophara di okelediwe dituelo mo mading a Ipelegeng ka di dira tiro e kgolo fela thata mme ba tshwanela ke go atswiwa bogolo go lekana le Ipelegeng. Mo go tse dingwe Mopalamente o ne a itsise morafe fa tsela ya bone le Mochudi e tla baakanngwa mme gongwe go tla tsaya sebakanyana gore e tsenngwe sekonotere. O ne gape a bolelela morafe fa ba tla agelwa sepatela kwa Mochudi mme mo nakong ya gompieno go ntshitswe madi a go dira moalo wa sone mme ba tswelele ka go kopa gore se ntshetswe madi a go agiwa. economy_business_and_finance 3 Maele o akgola ‘Re a Nyalana’ Lenyalo le rotloetsa boikarabelo mo setshabeng. Tona wa lephata la kabo ya lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopo ya metsi a a leswe, Rre Prince Maele o buile jaana kwa Shoshong ka Labotlhano kwa mokgatlho wa Re a Nyalana o neng o nyadisa ba le masome matlhano le bobedi. O tlhalositse fa lenyalo le efa seriti, le aga setshaba e bile le ka tsisa tse di ka bolokang. A re lenyalo ke lengwe la ditsamaiso tse di tlhomilweng ke Modimo, ka e bile le kwadilwe le mo Baebeleng, e bile e le rotloetsa. Rre Maele a re go nna le lelwapa go rotloetsa gore banyalani ba seka ba amogwa tse ba di kgobokantseng ba le mmogo fa mongwe wa bone a ka tlhokafala. O tlhalositse fa bangwe ba itlwaeditse mokgwa wa go amoga batho di-tsa bone fa mongwe a tlhokafala le ba itse gore ba ne ba nna mmogo. Tona a re se ga se a siama, ka jalo Re a Nyalana e thusa thata mo dikgannyeng tsa go nna jalo ka banyalani ba fiwa ditlakana tse di ka fa molaong tsa nyalo. Rre Maele a re fa e sale lenaneo le le simologa ka 2012 go kopantswe Batswana ba le dikete di le tharo, makgolo a le borobabobedi le masome a mararo mme e bile kwa kgaolong ya gagwe go kopantswe ba feta makgolo a marataro. A re lenaneo le, le siame thata mme a rotloetsa Batswanaba ba ba sa kgoneng tse di batlwang mo nyalong go inaakanya le lone gore le bone ba nne le ditlankana tsa nyalo. O ne a leboga barulaganyi ba lenaneo le, a re e sale le simolola ga go na bape ba bakopantsweng ka lone ba ba kileng ba kgaogana. Rre Maele o gakolotse banyalani gore lenyalo lengwe le lengwe le na le tsamaiso ya lone, e bile e le la batho ba le babedi. A re ba seka ba kopa mo go ba bangwe mme ba tshele matshelo a bone, ba itirele monate gore lenyalo la bone le ba itumedise. O ne a ba kgothatsa gore go rerisana le go tlotlana mo lenyalong ke konokono. A re fa puisano le morero di le teng mo lenaylong sengwe le sengwe se tsamaya a thelelo. Tona o rotloeditse masika a banyalani go iphapha mo go tseneleleng dikgang tsa malwapa a banyalani ka ba ka a thuba. Mogolaganyi wa lenaneo la Re a Nyalana, Mme Anna Morwaagole o tlhalositse fa le fetotse matshelo a Batswana ka bontsi mme e bile le le molemo. Mme Morwaagole a re mokgatlho o, o simologile ka ditekeletso ka 2010, mme e rile ka 2012 ya nna mokgatlho fela o o kwadisitsweng ka fa molaong e bile o na le setlankana. A re lenaneo le, le nyeletsa lehuma la maikutlo a go aga lelwapa gammogo le go fa setshaba seriti ka le fokotsa dikgang mo magosing, balaodi gammogo le dikgotla tsa ditsheko go sekwa dithoto. O ne a tlhalosa gore nako le nako fa ba nyadisa ba direla banyalani dithuto-pusianyo gore ba itse gore ba tsena mo go eng, le gore ba batla go tsena mo diyalong tsa mofuta ofe. A re se, se thusa banyalani go itse se ba tsenang mo go sone, go itsa dikgang tsa ditlhalo. A re dikgang tsa ditlhalo gantsi di dirwa ke go bo banyalani ba sa itse gore ba nyalanela eng, ka jalo go nne le dikgotlhang. O ne a tlhalosa fa dipatlisiso di supa fa mo ngwageng ono go simologa ka Hirikgong go tsena Motsheganong go nnile le dikgang tse di tsamaelang kwa tlhalanong di le masome mane le borataro mo lekgolong mo lefatsheng leno. BOKHUTLO society 9 Letlhoko la metsi le dia ditlhabololo Banni ba Itholoke mo kgaolong ya botlhophi ya Jwaneng/Mabutsane ba lela ka letlhoko la metsi le motlakase le ba reng le ba itsa go tlhabologa le go akola mananeo a puso. Ba buile se fa mopalamente wa kgaolo, Rre Shawn Ntlhaile a buisa phuthego kwa motseng oo bosheng. Ba ne ba lelela mo go mopalamente gore a kope puso gore e ba epele didiba tse di dikologileng motse wa bone gore le bone ba tle ba kgone go itshetsa ka maneno a puso a a duleng jaaka a nyeletso lehuma le masingwana tsa merogo. Ba re ba tlhola ba bona jaaka mananeo a puso a solegela ba bangwe molemo mo mafelong a mangwe ka jalo le bone ba eletsa gore ba ka nna le metsi gore ba kgone go jesa ba malwapa a bone. Ba re se se ka thusa thata go imolola puso mokgweleo wa go ba tlhokomela. Ba ne ba boa ba kopa mopalamenete go bua le puso gore e ba tsenyetse motlakase le tsela ka go lemosegile e le tsone tse di okang bagwebi. Ba ne ba bua gape gore keletso ya bone ke gore puso e simolole ditlhabololo mo metsaneng e e saletseng kwa morago jaaka wa bone. Ba Itholoke ba ne ba ikuela gore kokelwana ya bone e atolosiwe e bo e tsenngwe motlakase le mo matlung a badirelapuso. E ntse e le mo loetong lwa ga mopalamente, banni na Kutuku ba itumeletse go lekodisiwa ka tsa palamente le ditshwetso tsotlhe tse di tserweng. Ba ne gape ba tlhalosa fa e le boitumelo fela mo dipelong tsa bone ka jaana ka akola mananeo a puso sentle e bile go na le maungo a a nametsang. Mme le fa go ntse jalo, banni ba ne ba kopa puso gore sekole sa bone se sebotlana se atolosiwe go ya kwa lokwalong lwa bosupa ka jaana sekole se ruta go ema ka lokwalo lwa bobedi. Ba tlhalosa fa se se ka hema botlhokatsebe ka jaana go ka ba kgontsha go ruta bana boitshwaro jo bontle go na le fa ba kgaogana le bone ba sa le babotlana. Mopalamente Ntlhaile o ne a tlhalosa fa a tlaa fetisetsa dilelo tsa bone kwa pusong. O ne gape a bua fa a tlaa leka thata go bua le matona gore ba tle go ikutlwela dilelo tsa banni ba kgaolo ya gagwe. Rre Ntlhaile o ne a bolelela banni fa jaanong ba tlaa tshwanelwa ke go duela lekgetho fa ba isa loruo lwa bone kwa matlhabelong a Botswana Meat Commission. O ne a boa a ba bolelela fa puso e fokotsa ditshenyegelo ka jalo ditirelo dingwe di tlaa nna bonya. politics 7 Tshwaragano selotlele sa katlego Mogokgo wa sekole sa Bobonong Junior Secondary School, Mme Grace Mashaba, a re tshwaragano ya batsadi le barutabana ke konokono mo go betleleng bana isago ka go dira gore ba dire sentle le go tlhwaafalela dithuto tsa bone. Mogokgo o buile se mo moletlong wa kabo dimpho wa sekole se. Mme Mashaba a re puso e dumela fa tshwaragano ya barutabana le batsadi e ka dira go tlala ka diatla mo go betleng maitsholo a bana le go ba rotloetsa go dira ka natla mo dithutong tsa bone segolo jang ka ketelelo pele ya lekgotla la batsadi, bana le barutabana. Mogokgo o tlhalositse fa tshwaragano e ka dira gore sekole se ntshe maduo a mantle. Mme Mashaba o boletse fa sekole sa gagwe se dirile sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la boraro ka go tsa maduo a ntlha mo go ntsheng baithuti ba ba ntsi le go tsaya maemo a boraro mo go ntsheng baithuti ba boleng mo kgaolong ya Bobirwa ka ngwaga wa 2014. Mogokgo a re sekole sa gagwe se dira sentle fela thata mo metshamekong ka ba nale ngwana yoo dirang sente thata mo mabelong ebile a kile a emela lefatshe le kwa Malawi mme atla a gapile seetsele sa bronze. Mme Mashaba o kopile batsadi go tsenelela diphuthego tsa lekgotla la batsadi le barutabana ka mmetela gore bat le ba nne le tshono ya go thusa ka dikakanyo ka fa sekole se tlhabololwang le go tsamaisiwa ka teng gore se tswelelepele. Lefa go ntse jalo mogokgo o lebogile dikompone tsotlhe tse di dirileng gore moletlo o o atlege segolo jang kompone ya Zac Construction le mopalamente wa kgaolo ya Bobonong Rre Shaw Kgathi ba rekileng dimpho tse di neng di abiwa kwa moletlong o ka jalo a di kopa go itlhaopa go tsamaisa sekole sa gagwe mo lenaneong le puso e kopang dikompone tsedi ikemetseng go itlhaopa go tsamaisa dikole ka maiteko ago thusa puso go tlhabolola thuto ya lefatshe leno. Sebui sa tlotla kwa moletlong o, mogolwane wa kompone ya Zac Construction Rre Thanabalasinham Raveendran o tlhalositse fa kompone ya gagwe e kgatlhala ka go tlhabolola thuto ya lefatshe leno ebile e tlhaloganya kopo ya puso gore dikompone tsedi ikemetseng di thuse puso ya lefatshe leno go tsamaisa dikole tsa puso ka puso e supile fa e tlhaelelwa ke madi ago tsamaiso dikole ke ka mong e ntshitseng boikuelo jo. Mogolwane yo, a re kompone ya gagwe e ne ya itlhaopela go baakanya le go ntsha ditlhare mo mabaleng a metshameko a sekole se ka ba tlhaloganya fa baithuti ba tshwanetse go ikatisetsa metshameko mo mabaleng a a mo seemong se se siameng. education 4 Se tshwarwa ke ntsa pedi... Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso, o kgothaditse Batswana, segolo jang banana go ipopa ditlhopha tse ka tsone ba ka kgonang go ikopela ditiro tse mmuso o ikaelelang go di dira mo metsing ya bone mo ngwageng wa madi wa 2016/17. Mme Tshireletso o dirile kgothatso e mo diphuthegong tsa kgotla tse mo go tsone a neng a lekodisa batlhophi ba kgaolo ya gagwe ka dikgang tse di buisantsweng mo palamenteng e e fetileng le go tsaya megopolo go e isa kwa phuthegong e e tlang ya palamente. A re e re ka mmuso o ikaelela go dirisa bontlha bongwe jwa madi a a beilweng kwa mafatsheng a sele go lwantsha letlhoko la ditiro, go tsosolosa itsholelo le go rotloetsa Batswana go simolola dikgwebo tse di ka tswakanyang itsholelo, o ka itumela fa banana ba ka ipaakanyetsa go ikopela ditiro di tshwana le go shafatsa dikago tsa mmuso jaaka matlwana a borutelo, matlo a boroko jwa barutabana le go dira ditiro tse di neng tsa salela morago ntateng ya tlhaelo ya madi e e bakilweng ke kwelotlase ya itsholelo ya mafatshe. Mme Tshireletso, yo e bileng e le mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, o boleletse banni ba Shakwe le Makwate fa e le tshwanelo ya bone le ba dikomiti tsa ditlhabololo ga mmogo le makhanselara go tswa ka megopolo ya ditlhabololo tse di ka fiwang maemo a ntlha fa go dirwa lenaneo la ditlhabololo tsa setshaba tsa bolesome le motso (NDP11) le mo lenaneong la ditogamaano tsa dikhansele la (DDP8). O tlhalosa fa Tautona a neetse lephata la dikgaolo le tlhabololo magae boikarabelo jwa go bona gore ditiro tsotlhe tse di neng di saletse morago ka ntlha ya tlhaelo ya madi di a diragadiwa ga mmogo le go tlosa melala ya batho ba ba neng ba tshwanetse go thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma mo ngwageng wa madi 2015/16. E rile Mme Tshireletso a tsibogela dilelo le dingongorego tsa bone mabapi le go tlhoka go dirwa ga tsela e e tshwaraganyang Dibete, Mookane, Mmaphashalala le Makwate ga mmogo le tsela e e tshwaraganyang Makwate le Shakwe, a solofetsa gore le fa mmuso o santse o lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya madi, kgang eo ke nngwe ya tse a tlaa di bayang palamente ya kgaoganyo madi a setshaba pele ka jaana ba tswa kgakala ba ngongorega ka tsone. Mo diphuthegong tseo banni ba Shakwe le Makwate ba ne ba itumelela ditiro tse di dirilweng ka lenaneo la Ipelegeng jaaka diterata tse di kgaoganyang masimo le mahudiso, kagelelo ya mabitla le diofisi tsa kgotla le go ntshiwa ga ditlhare mo ditseleng. Dingwe tse ba ngongoregileng ka tsone ke tiego ya go phakisiwa ga batlhoki le bana ba masiela dijo, tiego ya go goroga ga didirisiwa tsa Ipelegeng kwa metsing ya magae, tiego ya go agwa ga diofisi tsa kgotla kwa Shakwe, go atolosiwa ga dikokelwana tsa metse ya bone gore di nne le matlwana a pelegiso le tiego ya go thusiwa ga batho ba ba ikopetseng dithuso ka lenaneo la nyeletso lehuma. society 9 Go tlhopha ke boikarabelo jwa motho Mopalamente wa kgaolo ya Serowe Bokone Botlhaba Rre Dikgakgamatso Seretse o kopile banni ba dikgotla tsa Sengwato, Tshikinyega le Menyatso mo Serowe go tsaya boikarabelo ba puso e ba e batlang go tokafatsa le go tlhabolola matshelo a bone. Rre Seretse o buile se, mo diphuthegong tsa kgotla kwa dikgotleng tseo bosheng. A re ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go itse le go dirisa tshwanelo ya gagwe go tlhopha puso e a e batlang. O kaile fa Batswana ka bontsi bas a iste bomosola ba go tlhopha mme ba tsaya tshwanelo e, mme ba e tsaya lolea fela. A re kwa mafatsheng a mangwe go dintwa fela tse di kgolo batho ba lwela tshwanelo ya go tlhopha puso e ba e batlang fa mo Botswana batho bas a e kgathalele, ka jalo a kopa banni go ema ka dinao ba diririse sebaka se. Rre Seretse o tlhalositse fa nako e setse e ile ya go ya kwa ditlhophong ka jalo, go mo marudung a setshaba go bona gore ke eng se se ba berekelang le se se sa ba berekeleng. O tlhalositse fa kgang e tona e le go tlhabolola matshelo a bone, mme ka jalo ba lebe, ba sekaseke ditlha tse di botlhokwa tse ka matsetseleko go bona gore tse di mosola le bone ke dife le tse ba di solofetswang ke batho ke dife. O ne a tlhalosetsa banni ba dikgotla tseo gore dipalo di supa fa go ikwadisitse Batswana ba sekae fela, mme a kopa gore botlhe b aba ikwadisetseng ba ye go tlhopha. A re ba tshwanetse go tlotla letsatsi la ditlhopho ka ele lone letsatsi le le golo mo matshelo a bone aka jaanong ba bo ba tlhopha ba busi b aba ba batlang mme batshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go dira tshwanelo e. Rre Seretse a re puso ya batho ka batho e batla batho baa b nang le boikarabelo, ba itse ditshwanelo tsa bone mme ba di diragatsa ka jalo le ditlhopho le ikwadisetso ya tsone ba tshwanetse go di tsaya tsia mme ba di dire. O buile a sa kgwe mathe a gakolola thata gore botlhe ba ab ikwadisitseng ba ye go tlhopha ka letsatsi la ditlhopho, a tlatsa ka gore letsatsi la teng le lengwe fela mme le botlhokwa ka le kgona go fetola matshelo a bone. Mo go tse dingwe Rre Seretse o ne a laela banni ba dikgotla tse tharo tse mme e bile a lebogela tirisanyo ya bone le ene mmogo a re o kgonne tse a dikgonneng ka thotloetsa ya bone le lerato la bone. A re puso le yone e dirile ditsholofetso tsa yone, ka mananeo a tshwanang le a LIMD le Ipelegeng le ntswa bangwe ba ne ba a kgala, le fa ne go nala mathata a letlhoko la madi mo lefatsheng ka bophara. politics 7 Monana o rotloeditse batsadi go kgalemela bana Mongwe wa banana ba ba kileng ba ya kgolegelong, Rre Ofaletse Molebo, o rotloeditse batsadi go nna le seabe mo kgodisong ya bana ba bone. Mo potsolotsong, Rre Molebo a re banana ba tsweletse ka go amega mo ditirong tsa borukutlhi jaaka bogodu, dipetelelo, dititeo le tse dingwe,. A re seemo se, se baya batsadi ka fa mosing ka gore fa bana bao ba bonwa molato, ba sala mo kutlobotlhokong. A re batsadi bangwe ga ba kgaleme bana ba bone fa ba lemoga gore ba inaakantse le ditiro dingwe tse di maswe, a re seo se dira gore bana bao ba tswelele le ditiro tseo mo go goleng ga bone. A re batsadi bangwe ba na le go buelelela bana ba bone fa ba amanngwa le dikgang tsa borukutlhi kwa dikolong kana mo motseng, a tlhalosa fa seo se dira gore bana bao ba seka ba ipona molato kana ba ikotlhaa. Rre Molebo a re batsadi ba tshwanetse go tshwaragana le puso go ruta bana ba bone ka dikgang tsa borukutlhi di tshwana kgokgontsho, gore ba seka ba inaakanya le tsone kwa dikoleng, lwapeng kana mo ditseleng. O tlhalositse gore ka ele mongwe wa banana ba ba kileng ba ya kgolegelong ngwaga tse pedi morago ga go bonwa molato wa go gobatsa mohiri wa gagwe ka 2016, ga a eletse gore banana ba bangwe baka feta fa a fetileng teng. Rre Molebo a re o dirile molato oo a gateletswe ke maikutlo, mme ka gone go setse go diragetse a lebagana le kgwetlho ya go sekela molato wa gagwe. A re botshelo jwa kgolegelo ga bo monate ka go na le dikgwetlho di tshwana go kgokgontshiwa ke magolegwa a mangwe, mme seo se tsise khutsafalo e tona gammogo le le boikotlhao. A re sebaka se motho a se tsayang a le kwa kgolegelong se mo senyetsa ditshono di le mmalwa jaaka go tswelela le dithuto tsa gago, go batla tiro ga mmogo le go nna kgakala le ba lelwapa. O tlhalositse gore seo se dira gore motho a salele kwa morago, mme nako ya fa a tswa kwa kgolegelong, o fitlhela go le thata ka o tshwanelwa ke go simolola botshelo sesha. A re fa motho le kwa kgolegelong ga a nne le sebaka sa go ja monate wa botshelo jaaka bankane ba gago ba ba seng kwa kgolegelong. A re banana ba tshwanetse go ithuta go nna pelotelele fa ba kopana le dikgwetlho gore ba seka ba tsaya ditshwetso ba galeletswe ke maikutlo ka seo se ka dira gore ba seka ba tsaya ditshwetso tse di maleba. A re molato fa o setse o diragaetse ga gona gore oka dirololwa, ka jalo modira molato o tshwanelwa ke go tsaa bokarabelo ka go atlholwa go ya ka fa sekaleng sa molato o a o dirileng. O kopile banana go kopa thuso mo go ba ba maleba fa ba na le mathata jaaka ba boipelego, batsadi le ba ba sidilang maikutlo. Le fa gontse jalo, a re sebaka se a se nnileng kwa kgolegelong se mo file tshono ya go ikaga sesha ka go ithuta ka tlhaloganyo ya motho, go ikanya Modimo ga mmogo le tiro ya diatla. BOKHUTLO education 4 Banni ba Magana ba atla kgosana Banni ba kgotlana ya Maganakwa Metsimotlhabe ba dumalane ka bongwe fela jwa pelo gore Rre Duncan Magana enne ene yo o tlaa nnang setilo sa bogosana jwa kgotlana eo. Banni ba supile seo mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerweke kgosi ya motse oo Kgosi Raphael Mmipi morago ga go tlhokafala ga kgosana yakgotlana eo Rre John Ratlhapi kgwedi ya Seetebosigo mono ngwaga. Mongwe wa banni ba kgotlana eo, Mme Gobona Khupe, o opetse seodiatla a re ke kgatelopele ka se tlaa dira gore kgotlana ya bone e seka yasalela kwa morago ka ditlhabololo. Rre Simon Sethathe ene o kopilegore fa kopo ya bone e ka amogelesega, kgosana e bereke le bone sentle ebilea itse gore kgosi ke thotobolo e olela matlakala. Mongwe wa dikgosana, RreRudolf Mokalake, a re o ile a nna fa fatshe le boora Magana mme ba nna moono ole mongwe ka motlhatlhami go sena mathata ape. Mokhanselara wa Metsimotlhabe Rre Kenakgang Oreetseng o ne asupa fa le ene a itumeletse tshwetso eo e bile a e amogela ka diatla tsoo pedisegolobogolo ka go ne go sena dikgotlhang jaaka tse ba di utlwalelang kwametseng e mengwe. A re o solofetse go le gontsi mo kgosaneng e ntsha eo ka a tlaatokafatsa tiro ya gagwe e le mokhanselara. Rre Magana o ne a leboga morafeka tshepho ya bone mo go ene, a re o amogela thomo ya bone ka diatla tsoo pedi,a re o tsile go ikamanya thata le Modimo ka poifo Modimo e le yone e ka mokgontshang go etelela morafe wa gagwe pele sentle. Kgosi Mmipi o ile a konetelela ka gore nako ya go layakgosana ga ise e goroge ka o santse a tlaa isa leina la yo o tlhophilweng kwabagolwaneng ba gagwe kwa Molepolole go ya go seka seka tshwetso eo mme o tlaabusa phetolo mo nakong e e sa fediseng pelo. politics 7 Bomme ba kgothadiwa go ikanoka E re ka kgwedi e e le ya bomme ebile e ya bokhutlong, bomme ba thapelo ba gakolotswe go ikanoka mo dipelong mme ba gopole ba ba tlhokang. Se se builwe ke mothusa modulasetilo wa khansele ya kgaolo ya Ghanzi Rre Greg Losibe gompieno, mo kgotleng ya Ghanzi jaaka mokgatlho wa bomme wa kereke ya African Methodist Episcopal ba ne ba abela Mme Rodah Baumake dihutshane. Rre Losibe a re bomme ba tshwanetse ba itshekatsheka mo dipelong tsa bone mme ba nne le mautlwelobotlhoko mo go ba bangwe. O tsweletse a ba kgothatsa a re go aba ke go supa lorato; a tlhalosa gore e re ka jaana motho e le sekao sa Modimo, go aba ga bomme ba thapelo ba kereke ya Methodist go supa lorato lwa Modimo mo go bone. Mme ka jalo Rre Losibe o ne a galaleletsa mokgatlho wa bomme ba kereke e, a re le bone ba tshwanetse ba ipelela go aba ga bone. Mme o ne a gakolola gore go aba ga go a tshwanela go dirwa ka go bo go gabilwe sengwe, mme a re e tshwanetse ya nna go aba ga mautlwelobotlhoko le bopelotlhomogi mo setshabeng. O ne a kgothatsa lelwapa le le abetsweng; a re ba lesego thata ka mpho e ba e neetsweng ke Modimo go tswa go ba Methodist. Rre Losibe a re o solofela gore mpho eo e tlaa ata ka jaana e le dipodi mme a tlhalosa fa dihutshane di le bogadi bo gaufi segolo bogolo mo kgaolong ya Ghanzi. Mme ka jalo o ne a kgothatsa thata Mme Baumake a re a tlhokomele dipodi tseo gore di ate, e tle e re motlha mongwe le ene a kgone go abela mongwe. Mme le fa go ntse jalo, Bishop John White wa kereke ya Methodist mo Botswana o tlhalositse fa e le motheo wa kereke ya bone go abela bao ba ba tlhokileng lesego. Moruti White a re kereke e netefatsa gore batlhoki ba tlhokomelwa fela jaaka e le tsamaiso ya Baebele le lefoko la Modimo gore ba ba tlhokang ba tlhokomelesege. O ne a leboga bomme ba Methodist ka tiro e ba e direlang batho ba Modimo mme a re e le kereke ga ba lebe fela maloko a Methodist mme ba atolosa letsogo kwa go ba ba kwa ntle ga Methodist. E rile a mo tlatsa, Moruti Nicollete Aedige wa Methodist mo Ghanzi a re go aba go tshwanetse ga dirwa ka lorato le pelo eseng ka mabela. Moruti Aedige a re batho bangwe fa ba aba ba dira ka gore ba bonwe, mme a re seo ga se go aba ka pelo ya mautlwelobotlhoko le lorato la Modimo. O ne a gakolola bo mme ba thapelo go ikokobetsa fa pele ga Modimo mme ba dire tiro ya Modimo ka bopelotlhomogi eseng maikgantsho. O tlhalositse fa mongwe le mongwe e le mohumi mo setshwanong sa Modimo; mme a gakolola gore seemo sa botshelo ga se a tshwanela go fetola seo. Mokgatlho wa bomme wa kereke ya Methodist o na le maitlamo a ba berekang ka one go direla setshaba, morafe le yone kereke. Modulasetilo wa mokgatlho wa bomme ba Methodist mo Botswana Mme Seakanyeng Motswakae o tlhalositse gore ba na le matshego a le mane a ba ikaegileng ka one e le kereke. A re ke letshego la go okela batho mo kerekeng, letshego la go tsamaisa kereke le mokgtalho wa bo mme, letshego le le fang dithuto di akaretsa mananeo a puso le tsa selegae. Mme Motswakae a re go abela batlhoki go tswa mo letshegong la Sekeresete le tirisano mmogo le setshaba. A re ba tshwanetse ba berekela kereke, morafe le setshaba; ke ka moo ba neng ba itshwaraganya le boora Baumake go supa lorato la Modimo ka go ba abela dipodi di le tlhano. Mme a re se se supa tshwaragano e kereke e nang le yone le puso, mme ba thusa puso nngwe ya maitlamo le matshego a puso a tebelopele ya 2016. religion_and_belief 8 Borre ba kopiwa go tsibogela botsogo Dibui kwa moletlong wa segopotso sa bolwetse jwa kgotlholo e tona kwa Jackalas No 2 mo kgaolong ya Bokokone Botlhaba ka Labotlhano, Ba re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a tsibogele botsogo jwa gagwe ka maikaelelo a go leka go lwantsha malwetse, bogolo jang fa go itebagantswe le jwa kgotlholo e tona, jo ba boletseng fa jone bo alafesega fa bo tsibogelwa nako e sale teng. Ba re ke nako ya gore borre ba ititee ka thupana mme ba ne ba etela dikokelo gangwe le gape, go na le gore ba dire jalo fela fa go setse go le thata, ba tlatsa ka go re go tsiboga ga borre go ka thusa go nyeletsa gotlhele bolwetse jwa TB mo kgaolong ya Bokone Botlhaba le mo lefatsheng ka bophara. Ka jalo seo sa fokotsa le yone palo ya dintsho tse di diragalang mme e le tse di neng di ka thibelwa ka go tsaya kalafi ya ba bongaka.Mogokgo wa sekole se segolwane sa Shanganani JSS, Mme Ndinaani Mandevu o ne a tlhalosa fa TB e santse e le kgwetlho e tona e e lebaneng lefatshe leno, a supa fa ntwa kgatlhanong le TB, e le e e ka sekeng ya kgonwa ke puso e le nosi, ntleng le batho ka bongwe ka bongwe ga mmogo le makalana ka go farologana a ka tsenya letsogo.Mme Mandevu o ne a gwetlha makalana a a tsweletseng ka go thusa puso ka ditsela tse di farologaneng tebang le tsa botsogo go akarediwa le jone bolwetse jwa TB, gore ba seka ba nyema moko go fitlhelela ntwa kgatlhanong le TB e fenngwa. A re moono wa monongwa o o reng ‘Re batla boeteledipele mo go emiseng kanamo ya kgotlholo e tona, le wena o ka dira ditso go emisa kgotlholo e tona’, o gwetlha ope yo o ka tswang a le moeteledipele fa a leng teng go ema ka dinao go lwantsha TB, a kaya fa maikaelo a lephata la botsogo le boitekanelo e le go bona ka ngwaga wa 2035 TB E re ka jaana go lemosegile fa gantsi TB le mogare wa HIV e le di ya thoteng di bapile, Mme Mandevu o boletse fa puso e dirile maiteko a a bonalang go tsibogela malwetse oo-mabedi, a re thulaganyo e mo go yone ope yo o tshwarwang ka mogare wa HIV a akarediwang mo kalafing ya diritibatsi gone foo, e thusa go fokotsa TB. A re ka moo, go mo maruding a mongwe le mongwe go itlhatlhobela malwetse go bona kalafi ka nako, ka e bile puso e simolodisitse tiriso ya metshine e e ntshang maduo a TB mo malatsing a le mabedi go na le pele mo maduo a neng a tswa mo malatsing a supa. Fa a nankolela batsayakarolo ba moletlo ka maikaelelo a letsatsi leo, moeteledipele wa dikokelo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Mavis Motshelanoka o ne a re ke go tla go tsibosa setshaba ka dikgang tsa bolwetse jwa kgotlholo e tona le go abelana megopolo ka fa bo ka kganelwang ka teng. Mme Motshelanoka a re maikaelelo a mangwe ke go konotelela moono wa mafatshefatshe wa go leka go lwa ka gotlhe go emisa TB. A re e le ba lephata la botsogo le boitekanelo, letsatsi leo le ba fa sebaka sa go bona bomme Grace Mpofu le Thapelo Million ba a fa bopaki ka fa ba falotseng bolwetse jwa TB ka teng, ba supa fa ba kgonne ntwa eo ka kemonokeng ya ba malwapa a bone le gone go tsaya kalafi ka fa go tshwanetseng ka teng. BOKHUTLO health 6 Kebopetswe o ikana ka go roka Rre Kgosiemang Kebopetswe o dingwaga tse di masome a mane le bobedi (42) wa motse wa Mogorosi a tlholega mo kgotleng ya Setshe mo kgaolong ya Legare, ke mongwe wa Batswana ba lefatshe leno ba irileng puso e ntsha mananeo go tokafatsa matshelo a batho a seka a ipona tsapa. Fa a bua mo potsolosong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng jaaka ba ne ba etetse motse oo. Kebopetswe yo a tumileng ka leina la Sechana mo motseng o boletse fa e ne ya re go le pele a bo a sena kitso e e tseeletseng ka mananeo a mme a nna le lenyora go itse ka one. A re o ne a utlwalela fela ka batho bangwe ba ba akotseng ga mmogo le mo diromamomoweng le dipampiri tsa dikgang. Ka jalo a tlhalosa fa e ne ya re ka kgwedi ya re mo tshimologong ya ngwaga ono a rwala ditlhako a leba kwa ofising ya boipelego ya motse oo go ya go itseela ka tsoo pedi. Gone kwa go ba boipelego a re o ne a tlhalosediwa ka botlalo ka mananeo a farologaneng a nyeletso lehuma a a karetsa go apaya dijo, go rua dihutshane le go roka. Ene ka a ne a na le botsipa jwa go roka jo a bo anywileng mo dikhamphaneng tse a kileng a direla mo go tsone a itlophela lenaneo la go roka mme seka a dia sebaka a tsenya kopo. A re moragonyana fela mo sebakeng se se neng se sa fedise pelo, kopo ya gagwe ya atlega. A re ba ne ba isiwa dithutong tsa go roka kwa motseng wa Kanye mo sekolong sa Ramatea Vocational Training Centre. A re o ne a itumelela dithuto tseo fela thata mo lerato la gagwe mo kgwebong ya go roka le neng la golela pele ka jaana di ne di remeletse thata mo thutong ya tiro ya diatla. A re lentswa ba ne ba fiwa tse di thokang motlakase ba ne ba neeelwa di genereitara go ka tswelela ka tsone go hetlha motlakase. Mo nakong eno Kebopetswe o rokela banni ba Mogorosi diaparo, tse di kgagogileng le gone go dira paka ya dikole ka go farologana. O tsweletse a tlhalosa fa le mororo kgwebo e ise e itshetlele mo go kalo kalo, lemmenyana le a le bonang le kgona go mo thusa go ora molelo wa mariga le ba gaabo. Mme fela a re kgwetlho e kgolo e a kopanang le yone ke letlhoko la lefelo le a rokelang mo go lone ka jaana mo nakong eno a rokela fa ntle, selo se a boletseng se ka baya kgwebo ya gagwe ka fa mosing. O tlhalositse fa seo se ka kake sa mo kgoba marapo mo go diragatseng ditoro tsa gagwe mme fela a re o solofetse teranka go tsweng kwa go ba ofisi ya dithuso tsa mananeo a. Le fa go ntse jalo Rre Kebopetswe o bile a gwetlha bao ba ba maoto a tshupa go ka akola mananeo a go nna jalo go a tsenelela. A re fa mananeo a a ka tsewa tsia a ka fetola matshelo a batho ba le bantsi ka go tlhama ditiro. society 9 Batswana ba ba nnang kwa UK ba abela bana-le-bogole Batswana bangwe ba ba nnang kwa United Kindom ba ikopane le ba komiti ya Covid-19 ba abetse Batswana ba ba tshelang ka bogole dijo le tse dingwe tse di tlhokafalang kwa Bokaa le Dikgonnye. Fa a amogela dimpho, Kgosi Sue Mosinyi a re ba lebogela mephuthelwana e, mme o solofetsa fa e tlaa goroga kwa go ba e ba lebaneng. A re dimpho tse, di tlaa thusa gore e re fa banni ba itswaletse mo malwapeng go iphemela mo mogareng wa Covid-19 go bo go na le se ba se jang. Fa a rola dimpho tseo Seetebosigo a tlhola ga tlhano kwa kgotleng ya Bokaa, morongwa wa komiti Rre Aubrey Woki a re ba tlhophile ba-na-le bogole ka gore ke bone ba ba tshabelelwang ke go tseelwa kwa tlase gape ba sena ditlamelo sentle. A re dimpho tse, ke go tlaleletsa fa puso e emeng teng ka dithuso. A re ba lebogela tirisanyo mmogo e ntle ya komiti ya Covid-19 ya Bokaa mme e bile ba solofela fa dimpho tseo di tlaa amogelwa ka lorato le boitumelo. Fa a bala molaetsa wa tsholofelo go tswa kwa baabing ba dimpho, a re molaetsa mogolo ke gore dimpho tse di ajwa ka tlotlo le tlhompho kwa malwapeng a le masome a supa le borataro. O boletse fa dimpho di le masome a le matlhano le borataro di tlaa abelwa banni ba Bokaa fa di le masome mabedi di tlaa abelwa banni ba Dikgonnye. A re ba dumela fa ba-na-le bogole ba na le ditshwanelo fela jaaka motho mongwe le mongwe mo Botswana le lefatshe ka bophara e bile ba tshwanelwa ke go anywa itsholelo le ditlamelo tsa lefatshe. A re ke ka moo ba itlamang go thusa puso fa ba ka kgonang teng. A re ba rotloetsa ba-na-le bogole gore ba nne ba tshwere ka thata gape ba le pelo telele. health 6 O le aramele le sa go tlhabetse - Malepa Mogolwane mo lephateng la thuto go tswa kwa Botswana College of Distance Open Learning (BOCODOL) kwa Kang, Rre Boitumelo Malepa o rotloeditse banana le bagolo kwa Tsabong go ya go ikwadisetsa dithuto kwa sekoleng se segolwane sa Tsabong Unified. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Tsabong bosheng, Rre Malepa o ne a tlhalosetsa ba-tsaya karolo mo go tseneletseng ka lekalana la BOCODOL, a kaya fa le le mosola ka le ka tokafatsa maduo a dithuto tsa botlhe, bogolo jang mo go ba ba neng ba sa dira sentle mo mephatong ya JC le BGCSE. O kaile fa go setse go simolotse go ikwadisiwa mme go tlaa tswalelwa kgwedi eno e ya fifing fa nako ya yone e le go simolola ka ya botlhano go ya kwa go ya borobabobedi maitseboa. Rre Malepa o boletse fa dithuto tseo di sa tlhaole. A re moikopedi a tlhoka go tla ka setlankana se a batlang go se baakanya, a kaya fa puso e tsere boikarabelo jwa go duelela sengwe le sengwe, a gatelela fa ba tshwanetse go le aramela le sa ntse le ba tlhabetse. Mo phuthegong eo e e neng e tsenwe ke bontsi jwa batsadi, o ne a ba kopa go isa molaetsa oo kwa baneng, a kaya fa puso e butse dikgoro tsa go ruta le go tlhabolola setshaba mo lephateng la thuto ka mananeo a a farologanyeng. O kaile fa diofisi dikgolo tsa BOCODOL di le kwa Kang mme di okametseng Ghanzi le Kgalagadi, a kaya fa e le tsone tse go tlaa bong go kwalelwa ditlhatlhobo kwa go tsone. Ba-tsaya karolo mo phuthegong eo ba ne ba lebogela maiteko a puso ka BOCODOL go ruta setshaba. BOKHUTLO education 4 Mmatla kgomo kodumela... Motse wa Setsile kwa kgaolong ya Legare ke lengwe la mafelo a santseng a fatlhoga, ka jalo ditlamelo dingwe tsa botlhokwa e santse e le dikeletso fela. Go nna le sekole ke nngwe ya dikeletso tsa motse o o ikadileng mo letlhakoreng la moja la tsela e e yang Kudumatse, dikhilomethara di le lesome le bone go tswa Mahalapye. Le fa go ne go na le matlhasedi a gore Setsile o tlaa agelwa sekole se se botlana, bana ba motse oo ba santse ba patelesega go latela motswedi wa botshelo kwa Mahalapye le Mokoswane. Mosepele wa baithuti ba, o faraferwe ke dikgwetlho ka go farologana. Sengwe sa dilo tse di ngomolang pelo ke gore bontsi jwa bana ba, bo sa ntse bo fatlhoga mme ba tlhoka go tsamaisiwa tshipidi ka go tsena sekole gaufi le batsadi. Ka gotwe: mmatla kgwana ya gaabo ga a swe lentswe, bana ba Setsile ba itomile molomo wa tlase go tswelela ka mosepele wa bone wa thuto. Bangwe ba batsadi ba bana ba, ba re ba itlamile go dira gotlhe go tsenya bana sekole. Letlhoko la ditiro le lone ke sa khuranyo ya meno mme go thata ya lentswe go bona shelengnyana wa go itshetsa. Bagolo le banana ba Setsile ba ikaegile ka lenaneo la Ipelegeng go bona ditiro tsa nakwana. Mme Masego Leditsa, motsadi wa bana ba le bane, a re ga go motlhofo go bona madi a a duelelang bana mosepele wa go ya sekoleng. Mme Leditsa a re toro ya gagwe ke go bona Setsile a na le sekole se sebotlana. “Ga re robale, seemo se se re tshedisa bokete. Motsadi yo o nang le bana ba le palonyana jaaka nna, o tshelela mo lehumeng,” a tlhalosa. O supile gore le fa ba sa ineye sepe, seemo se ba gwetlha go hirela bana sepalamo. A re ba ikaegile ka Ipelegeng mme kgwedi e motho a sa bonang phatlha go nna thata go bona madi a a duelang sepalamo sa bana. Mme Leditsa a re ke boikarabelo jwa motsadi gore ngwana a bone thuto. Batsadi ba supile fa seemo se, se ba tsenyang mo kgwetlhong ya go adima madi ka tsholofelo ya gore ba tlaa thapiwa mo Ipelegeng. A re mosepele o lopa P140 ngwana mongwe le mongwe ka kgwedi. Batsadi ba supile gape gore seemo sa loapi ke kgwetlho ka gore ba patelesega go ralala dipula, serame kana mogote o o feteletseng ba le mo mosepeleng wa go latela thuto. Ba re mosepele o tsenya bana ba bone mo diphatseng le gore mo mabakeng a mangwe ba goroga thari kwa dikoleng mme ba siiwe ke dithuto. “Le fa re bereka Ipelegeng, re setlhafaletse ruri ka gore matsananyana a teng a felela mo sepalamong sa bana,” ga tlhalosa Mme Leditsa. A re seemo sa go phakela se dira gore bana bangwe ba felele ba tshaba sekole kana ba sa kgone go ithuta sentle. “Fa motsadi a sena madi bana ba kgona go palelwa ke go ya sekolong ka go se motlhofo go bona mosamarea yo molemo yo o ka pegang bana mahala,” Mme Leditsa a kaya. Mme Caroline Mpolokang ene o supile gore le fa go se motlhofo, o kopela bana mosepele mo dikoloing tsa beng moso le moso. Mme Mpolokang a re letlhoko la madi le dira gore mosepele wa bana o nne thata le go feta. “Dikole le tsone di tshwenngwa ke gore bana ba rona ba goroga thari ka mabaka a go tlhoka sepalamo se se tlhomameng ebile se ikanyega,” a tlhalosa. A re khansele e ne ya tswa ka mogopolo wa go ba tsisetsa kara ya ditonki mme ba se ka ba dumalana. “Tota re ne re sa o gane fela re ne re na le mabaka a gore mosepele wa kotsekara o bonya mme o pateletsa gore bana ba rwale masigo ka tlhogo le gone ka nako ya dipula phologolo e go tweng tonki e nna bodipa le go feta ka jalo mosepele wa bana o ka se nne bonolo. Re bone go le botlhokwa go tswelela re sokola ka maiteko a re a dirang,” Mme Mpolokang a supa. A re dikgwetlho tse bana ba kopanang le tsone di ngomola pelo a re gore go ne ga diragala ka lengwe la malatsi gore bana bangwe ba palame koloi ya rre mongwe, bagoma ba sa tlhalosa gore ga ba na madi a go leboga mosepele. A re e ne ya re go gorogeng kwa Setsile, rre yo o a phutholola lebogo go amogela tuelo, mme ka dikgwatlha di ne di phunyegile bagoma ba shadikanya matlho. Rre yoo o ne a ikadima bana ka moretlwa ba goroga kwa malwapeng ba putsa-putsa dikeledi. Keletso ya batsadi ke gore puso e ba thuse ka sepalamo go fefosa le go tlhofofatsa mosepele wa bana go ya sekoleng. Mme Mpolokang a re o leboga thuso ya ofisi ya boipelego ee kileng ya rekela baithuti ba paka ya sekole. Mongwe wa batsadi, Mme Kelebogile Oalotswe, a re seemo sa go tlhoka sepalamo ke nngwe ya dikgwetlho tse ba se kitlang ba itsapa go di lwantsha. A re go ineela go ka kgoreletsa bana mo mosepeleng wa go ipetlela isago e e nonofileng. O supile gore bangwe ba bone ba dira metshelo ya go adimisa madi gore ba kgone go tlamela bana. “Bangwe ba patelesega go rathola majalwa a Setswana ka maikaelelo a go dira madi gore ba kgone go duelela mosepele le go ba rekela dipe tse di tlhokwang ko sekoleng,” a supa. Mme Oalotswe a re tshireletsego ya bana ga e jeseng diwelang ka bangwe ba iphetotse dilalome. BOKHUTLO education 4 O tshegeditse ngwao ka segaba E re ka ngwao go lemotshegile fa e fetoga le dingwaga e bile e tshwanetswe ke go ka bolokwa gore dikokomane tse di tlang di tle di ithute ka yone, mongwe wa modiragatsi o dira se ka go letsa segaba. Rre Olebeng Khumomotse yo o dingwaga tse di masome a supa le botlhano o tlhalositse fa go le botlhokwa thata gore diletso tsa Setswana tse di tshwanang le segaba le setinkane di rutiwe basha gore le bone ba tle ba fetisetse kitso kwa dikokomaneng tsa bone. O tlhalositse fa a simolotse go letsa segaba ka dinako tsa dingwaga tsa gagwe tsa bonana, a kaya fa a ne a se letsa go fetisa nako fa a disitse loruo lwa batsadi ba gagwe. “Ke rutilwe go letsa segaba ke nkgonne fa re santse re le bana re disa ka jaana sone le setinkane e ne e le tsone tse di kgatlhang leitlho ka nako eo.” Rre Khumomotse o tlhalositse fa a ithutile segaba e bile a se rata go gaisa diletso tsotlhe ka jaana se kgothatsa motho go dira ka diatla le gone go akanya mo go faphegileng. O kaile fa a ne a ithuta go ipetlela segaba mme e bile a rata thata go letsa segaba se se dirilweng ka logong lwa morolwana. O tlhalositse fa mo segabeng, boroku bo dirisediwa go lootsa leseka le le letsang mme e bile go sa dirisiwe boroku bongwe le bongwe. “Fa o na le segaba o tsaya nako e ntsi o tlhama dipina le gone go ithuta molodi o o tlaa nyalanang le mafoko le kopelo ya pina e o e tlhamileng, e bile ga gona sepe se se kgotsofatsang pelo go feta jaaka go itirela segaba ka mabogo a gago ka jaana go tlisa segaba seo gaufi thata le pelo ya gago.” O ne a bua fa segaba e le nngwe ya diletso tse di thata go di ithutha mme fa motho a le pelotelele, a na le lorato le maikaelelo a go ithuta o ka tsaya sebaka se sekhutshwane. Fa a bua ka meletlo e a kileng a ya go letsa mo go yone, o ne a tlhalosa fa go letsa kwa moletlong wa go bula kgotla ya Raphalane mo Jwaneng le fa toropo e amogela molelo wa kgolagano e leng one malatsi a a a ratileng thata ka jaana leina la gagwe le tlaa bonala mo ditsong tsa toropo. arts_culture_entertainment_and_media 0 Boa gape: maduo a go bereka ka natla Mogologolo o rile nonyane ya motsoga pele e ja seboko se se nonneng, ke nonyane ya mofuta o. Mo pakeng ya mariga, serame mo Kgalagadi e a bo ele se se phatlolang letlalo la mmele. Makuku a naka tsa nare banana ba bo ba natefelelwa ke dikobo ka fa gongwe e abo e le gone ba gorogang go tswa maitisong mme go a farologana ka Mme Kutlwano Dipheko wa Tsabong, ka nako e ene o a bo a thinkgetse a duba borotho, seswaa le serobe a sa bolo go di kgoba. Pele ga oura ya borataro mo mosong ka malatsi a go theogelwang ka one, mme yo o a bo a setse a butse semausu sa sa gagwe sa dijo, dijo di siame di letile go rekiwa fela,ke ka mo Mme Dipheko eleng mmamoratwa wa bareki ba ba tlotlileng go ja mo makuku le ba ba fetang ba reka mopako ba palama dibase tsa nako ya borataro. Fa o feta fa semausung sa ga mme Dipheko fa gare ga nako ya borababongwe le lesome mo mosong o ka ipotsa gore a go tlhabilwe kukama,ka batho ba a bo ba kgobokane teng ba le bantsi ba foletse go reka dijo. Mmega dikgang wa BOPA mme Johannah Martin o ne a buisana le mme Dipheko go itseela ka tlhamalalo ka kgwebo ya gagwe e e itsegeng ka leina la Boa gape. Fa a bua ka tshimologo ya kgwebo ya gagwe,Dipheko a re o godile a rata kapei ka a tsholetswe ebile a goletse mo losikeng lo lo ratang kapei lobaibai. A re go lemogeng ga ga mmagwe le bommangwanaagwe gore o rata kapei,ba ne ba seka ba mo itsapela mme ba mo fapanela ba mo tlhatlhelela ka dithuto tse di tseneletseng tsa kapei. Erile morago ga go fetsa dithuto tsa khomputara Dipheko o ne a bona go le thata go ka bona tiro ka letlhoko la ditiro le ne le ile magoletsa mme a seka a batla go ipona a ingwaya ka meno bakeng la go tlhoka go bereka. Ka lebaka le,o ne a seka a simolola a ipaya mo sekaleng sa gore o rutegile a tlhaola ditiro, mme o ne a berekela mo marekisetsong a dijo a a farologaneng mo Tsabong,ele mmaseapei gape ele morekise. Dipheko a re moono wa gagwe wa go bereka mo marekisetsong a tsa kapei e ne e le go kokotletsa madi a tshimolodiso ya kgwebo,go tlaleletsa talente ya gagwe ya kapei le go ithuta matsipa a go tsamaisa kgwebo ka a ne a lora go itshimololela kgwebo ya gagwe ya dijo. Mo dingwageng tse thataro tse Dipheko a di berekileng mo madirelong a dijo,a re baji bareki ba ne ba nna ba mo akgola gore o itse go gata diamaleng,mme gape ba mo kgala ba re o humisa bahiri a sa itshimololele kgwebo ya gagwe mme a itse go apaya. A re le ntswa le ene a ne a itse gore ke mogaka mo go tsa kapei o ne a seka a reetsa dipuo tsa batho mme ka gape a ne a itse fa mmitsantsa a sa tseye thupa o ne a tswelela a bereka a sa ikgasekgasetse bahiri ba gagwe a itse gore ene o gabile go anya dithuto le botsipa jwa go tsamaisa kgwebo. E re ka setswana se re setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata le ntswa Kutlwano a ne a setse a kgobokantse madi,kitso le botsipa jwa go simolola kgwebo o ne a ikopanya le tsala ya gagwe ba simolola kgwebo ya dijo. Morago ga kgwedi tse tharo ba ne ba dumalana go kgaogana le tsala ya gagwe gore mongwe le mongwe a ikemele a le esi ba gwetlhwa ke letlhoko le legolo la dijo tse di apeilweng mo Tsabong ke kamo Boa gape o neng a tsholwa ngwaga ono o simologa. Mong wa Boa gape a re mo bogompienong o apaya dijo tsa moso fela,di akaretsa dipapatha,magunya,seswaa,serobe,sopo(soup) le ditlhatlheo,mme dijo tse di rekiwa ke babereki ba maphata a a farologaneng mo Tsabong,ebile bokgala ga se kgwetlo mo bareking ba gagwe fa ba gopotse monatenyana wa dijo tse ba a goroga. Ka mogologolo a rile ina lebe seromo,bareki ba boa seboaboane kwa kgwebong ya Boa gape jaaka leina la teng le bua.Se se kailwe ke mong wa kgwebo e,fa a tlhalosa fa ba ba rekang mo kgwebong ya gagwe ba boela teng ebile ba itse fa kwa boa gape ele legae la bone le thebephatswa. Go ya ka Kutlwano palo ya bareki ba semausu sa gagwe e gola ka mmetela mo eleng gore bontsi jwa naka o apaya dijo tse dintsi mme ga a kgone go jesa bareki botlhe,mo go dirileng gore malatsi ano batho ba beeletse(book) dijo nako e sale teng ka mogala. Seemo sa Boa gape se itumedisa mong wa sone,a re se supa tsholofetso ya gore dipoelo e tla nna tse di mo rumarumisang. “Gake gelele madi ka diemere,mme fela theko le dipoelo tse ke di bonang fa e sale ke simolola kgwebo e,di mpha tsholofelo ya gore ke tla ikgona,jaaka basadi ba dijarata tse dingwe ke tla rua le ene monna ka ba malatsing ano ba okwa ke basadi ba ba ipelelgeng,Dipheko a bua a tshega. Fa a botswa gore ke eng se se okelang bareki kwa Boa gape,Dipheko o tlhalositse fa a ntsha ga tshwene fa a apaya,a re o tswakanya dijo ka mokgwa o tla natefelelang bareki mme ebile ba ka seke ba lebale monate wa teng. A re se gogela bareki kwa kgwebong ya gagwe,ebile ba mo tlele ka bareki ba basha ka ba anamisa mo motseng ka monate wa dijo tse a di apayang ba bapatsa kgwebo ya gagwe. Tumelo mo Modimong le thapelo ke dingwe tsa tse di tlisetsang Dipheko phunyeletso mo Kgwebong ya gagwe. Godimo ga moo a re o tlotlomatsa bophepa mo kgwebong ya gagwe go itsa bodiphatsa jwa dijo le tlhagogo ya malwetse a a bakiwang ke leswe mo dijong le tikologo. Mme Dipheko a re sekale sa selekanyo sa dijo o se tsamaisa go tshwana le madi a re se se kgotsofatsa bareki ba gagwe ebile ke sone se ba sa fuleleng gope ntleng le kwa Boa Gape. Mme Dipheko a re se sengwe se se mo thusang gore theko ya kgwebo ya gagwe e elele jaaka motswedi wa metsi a monate ke ka gore o tsoga makuku a matona go kgotsofatsa bareki ba dibete tsa bone di batlang diamaleng go sale phakela le ise le tlhabe. “Thubisi mma ga e bonwe bonwe fela ,e bonwa ke motsogapele.Ke motsogapele ebile se se nthusa gore ke nne boikanyego mo bareking ke sone se ba sa mphetogeleng,ke ka mo nna ke bonang theko e ba bangwe ba se boneng,Dipheko a tlhalosa. Fa a boka kgwebo ya gagwe ,Dipheko o supile fa e mo tlodisitse melatswana. Ka Motswana a rile kgakakgolo gakena mebala,mebala e bonelwa dikgakaneng,go ntse fela jalo ka Kutlwano,bontle jwa mofufutso wa phatla ya gagwe bo bonelwa mo baneng ba gagwe ba basetsana ba babedi. A re o dirisa dipoelo tsa kgwebo go ba tsenya sekole le go ba kgabisa a kaya fa bone ele sesupo sa bokgarebe le bonatla jwa gagwe. Ntleng le tse,mong wa Boa gape a re,ka madi a a mmoelang mo kgwebong o kgonne go ithekela dilwana tsa ntlo gape bontlha bongwe wa bo boloka,fa madi a mangwe a dirisetsa tse di tlhokafalang go tsamaisa kgwebo di akaretsa rente,gase le dijo. Le fa kgwebo ya Boa gape e tsabakela ,mong wa yone a re fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe kgwebo ya gagwe e lebaganwe ke dikgwetlo. O ne a lela ka boturu jwa gase le koketsego ya ditlhwatlhwa tsa dijo a re ke dingwe tsa tse di ngotlang dipoelo. Dipheko o ne a tshwenyega gape ka go tlhokega ga merogo mo Tsabong a kaya gore fa ele teng e abo e swabile mme se se mo kgoreletse go apaya dijo tse di kgatlisang bogolo jang sopo ka yone e tlhoka go kgaba ka merogo. Se sengwe se se tlhokisang mogwebi yo boroko ke bareki ba ba ratang go itlhomodisa pelo ba kolota dijo mme e re fa ba sena go bona madi ba tsene ka nga la seloko,a kaya fa se se busetsa kgwebo morago fela thata. Le fa gontse jalo a re bareki ba ba mo tlhalefisitse gore amaruri bopelonomi bo bolaile mmamasilanoka,ka jalo o kgwele lethe a itshwara khubu a ikana gore a ka se tlhole a kolotisa go hema ditatlhegelo. Mogwebi yo o nale tebelopele le keletso ya gore dipoelo tsa kgwebo ya gagwe a di dirise mo go mo fang motlhala o o bonalang,ke ka mo a sa jeleng madi a dipoelo mo ganong mme a boloka bontlha bongwe ka o lora go nna le kgwebo ya dijo e e nang le leina jaaka KFC. Godimo ga moo o eletsa go ikagela madirelo a gagwe. Mong wa Boa gape o ne aa gakolola go tsoga nako e sale teng a ba tlhagisa fa go tsoga tadi e amusa go ka ba tlodisa ditshono. O ne a tswelela a itsise banana fa metlhale ya khumo e le mentsi e tlhoka balatedi,mme gape a ba tsibosa go tshwaragana ba ema kgatlhanong le mathata a letlhoko la ditiro le lehuma a a tlhasetseng lefatshe leno are fifing go tshwaranwa ka dikobo. economy_business_and_finance 3 Mokgatlho wa babereki ba mmadikole o abela bana Bana ba sekole sa Matlapana ba bontsi ba tswang kwa Sexaxa le Matlapana ba abetswe dimpho tsa paka ya sekole e e feletseng ke mokgatlho wa babereki ba mmadikole (University of Botswana Staff Sports Association UBSSRA) bosheng. Fa a ntsha la gagwe monnasetilo wa mokgatlho oo, Mme Malebogo Mophalane a re mokgatlho wa bone ke wa itshidilo mmele ya babereki ba mmadikole mme a re mokgatlho oo, o dirwa ke dikole tse 18 tsa bommadikole mo Afrika mme ba kopana ngwaga le ngwaga go itshidila mebele. A re e ne ya re nako nngwe ba bona bana bangwe ba tswa kwa Sexaxa ba ya sekoleng kwa Matlapana go le mariga mme ba tsamaya ka dinao ba sa rwala ditlhako le fa e le dijesi tota, mme ya re morago ba roma bangwe go ya kwa sekoleng seo go ya go sekaseka seemo ke gone ba bona gore go botoka gore ba thuse bana ba go nna jalo. O tsweletse a re ba kgothaditswe ke komponi nngwe e e ba thusang thata e e bidiwang Inverstic e e neng ya ba thusa ka madi go reka tse ba di tlhokang mo mokgatlhong wa bone mme ba bona gore ba thuse bana ka bontlha bongwe jwa one. O bile a re bone ba eletsa go bona bana bao ba godile e bile ba rutegile le bone ba le kwa mmadikole ba kgona gore le bone ba thuse ba bangwe fa ba lemoga seemo se se sa itumediseng mo go bone. Mme Keatlaretse Dipuo go tswa kwa ofising ya tokafatso matshelo a batho, o akgotse thata bana bao a re ba eletsa gore kamoso ba ba bone e le babusi le bone ba kgona go utlwela ba bangwe botlhoko, a re puso e le nosi ga e kake ya kgona. Mma boipelego a re dikgang tseo di teng di a tshela tsa go sotla bana ba ba thusiwang, a tlhalosa fa gompieno bana ba masiela ba le mo bothateng ka ntata ya dithuso tse ba di newang ke puso, mme o kopile bana bao gore ba seka ba reetsa tseo, bone ba itsetsepele fela mo go tsholetseng thuto ya bone gore e re ka moso ba akole maduo. O akgotse badiri ba mmadikole a re e re le ntswa matlhoko a le mantsi fela ba bonye go tshwanela go thusa bana ba sekole sa Matlapana, a re kana go neela go tsisa popagano, lerato le tirisano mmogo mo setshabeng, a tlatsa ka gore a botsalano jwa bone bo seka ja felela foo mme e nne jwa sennela ruri. Morutabana go tswa kwa sekoleng seo, Rre Anthony Timothy a re e le sekole sa Matlapana, ba lesego thata ka ba nna ba thusiwa ke mmadikole, a tswelela ka gore ba kile ba ba thusa ka matlwana a boitiketso le dibalamakgolo (computers). O boletse fa tseo di thusitse gore maduo a tokafale kwa sekoleng seo ka a re maduo a ne a nna a le kwa tlase fela mme a re gompieno o bona le batsadi ba kgona go ntsha bana kwa dikoleng tse dingwe ba ba isa kwa Matlapaneng. Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Tshupegetso Bontsibokae wa kgotla ya Matlapana kwa Maun, o kgadile a menne phatla botsadi jwa motsana wa Sexaxa ba bana ba bone ba neng ba abelwa dimpho ntswa bone ba seyo kwa tirong eo. Kgosi Bontsibokae o tsweletse a re batho le fa ba lwa mo lwapeng fela ga ba a tshwanela go ntshetsa dikgang tsa bone kwa ntle gore le bone baeng ba lemoge gore golo fa ga e ne e a komakoma. Fela o ne a akgola bao ba mmadikole a re go neela sekole sa mmadikole setsha mo kgaolong ya bone go ba thusitse ka jaana e se bone ba le nosi ba ba tlhokang mme a re bone ba tsweletse go leba gaufi le bone fela, a re ga se lantlha ba amogela dimpho go tswa kwa sekoleng seo di ya kwa sekoleng se sebotlana sa Matlapana. O bile a re o kopa gore botsalano jwa bone le mmadikole e nne jwa sennela ruri. BOKHUTLO education 4 Ba atla ditlhabololo Kgosi Motsamai Kgosi wa motse wa Kutamogoree o supile fa a lebogela ditlhabololo le ditirelo tse di mo motseng oo. O buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng, a re ntswa ditlhabololo di tla ka go rotha, gone ga ba galale ka jaana pharologanyo e a bonala e bile e a nametsa. A re ditlhabololo di akaretsa sekolo se se potlana, kokelwana, lefelo la mafaratlhatlha a ditlhaeletsano, le tse dingwe tsa botlhokwa ka go farologana di fetotse tebego ya motse. Kgosi Kgosi a re tsone ditlhabololo tse di gorositse ditirelo le ditlamelo kwa bathong ka jaana ditlamelo di akaretsa tsa botsogo, thuto le tse dingwe, banni ba motse ba di bona ntle le go kgarakgatshega. O supile gape fa ba itumedisiwa ke go bona kokelwana ya motse e fa diritibatsi, a re ntswa ba tle ba itemogele tlhaelo ya melemo gone go sa tshwane le fa go sena gotlhelele. Le fa go ntse jalo, a re didirisiwa tsa mangwe mananeo di tsaya lobaka go goroga le ntswa baikopedi ba setse ba tseneletse ithutuntsho tebang le go tsamaisa le tlhokomelo ya mananeo a ba ikopetseng. Mo go tse dingwe, Kgosi Kgosi o supile fa a sa ntse a le a le bête se molangwana ka thekiso ya majalwa a setso e e diragalang mo motseng. A re bangwe barekisi ga ba sale melao ya thekiso morago, fa bangwe tikologo e ba rekisetsang mo go yone bophepa jwa yone bo sa kgatlhise. Kgosi Kgosi a re bangwe ba rekisa one majalwa a, go nwela mo lapeng ntswa go sena matlo a boiteketso mme se se bake kgotlelesego ya tikologo ka jaana go felelwa go itiketswa gongwe le gongwe. O bile a supa gape fa a sa itumedisiwe ke bogodu jwa leokwane jo bo tsweletseng ka go diragala kwa lefelong la mafaratlhatlha a ditlhaeletsanyo. A re tshenyo e e felela e baya banni ba motse ka fa mosing ka jaana go kgoreletsa tlhaeletsanyo gape go busetsa ditiro tse di dirwang ka maranyane a tlhaeletsanyo kwa morago. health 6 Bomme ba Bobirwa ba itshetsa ka tiro ya diatla Bomme kwa Bobirwa ba ipopile setlhopha go itshetsa ka tiro ya diatla. Setlhopha seo, se se bidiwang O tla-robala-otla-ja-eng, se bopilwe ka bomme go tswa kwa Lentswelemoriti, Motlhabaneng le Mathathane mme se dira ditiro tse di farologanyeng di tshwana le go roka, go bopa ba dirisa dipampiri le go loga ka mokolwane. Leloko la setlhopha seo Mme Kerileng Keletso, o ne a supa fa letlhoko la mmaraka le ba itsa go gola ka ba rekisa fela kwa Tuli Block. Mme Keletso o ne a bua jaana kwa kgotleng ya Mathathane mo letsholong le le neng le eteletswe pele ke lekgotlaa la SPEDU fa ba ne ba lekola ditiro tse di atsweletseng mo kgaolong ya Bobirwa le Selebi Phikwe. O tlhalositse fa matshwenyego a mangwe e le sekgala se ba se tsamayang go ya go kgetla mokolwane o ba o dirisang go loga ditlatlana ka ba sena sepalamo. O ne a supa fa kgaolo ya bone e na le diphologolo tse di borai di tshwana le ditlou tse di tshosetsang matshelo a bone, mme se se dira gore ba tshabe go tsamaela kgakala le gone go bapala mokolwane ba phuthologile. O ne gape a supa fa go na le motako o ba o dirisang go kgabisa ditlatlana, a tlhalosa fa ba o reka mo bathong ka o bonwa fela kwa nokeng ya Limpopo mme bone ba sa kgone go o itatelela ka ba tshaba ditlou. A re se le sone se dira gore kgwebo ya bone e seka ya gola ka ba dirisa madi a mantsi go o reka. Mme Keletso o ne a supa fa SPEDU e ba eme nokeng ka e kgonne go ba golaganya le bangwe ba balogi go tswa kwa Boteti go tla go ba thatlhelela dikitso tsa go loga. O ne a supa fa se se sa lekana, mme a kopa makgotla le puso go ba ema nokeng go ba batlela mmaraka. Mothusa kgosi wa kgotla ya Mathatahane Kgosi Samuel Makola o ne a supa fa Bobirwa a humile di-tsa tlholego jaaka diphologolo le dimela, mme di sa sologele batho ba kgaolo eo molemo. Kgosi Makola o ne a kopa ba SPEDU go ba buelelela le puso gore le bone ba kgone go tlhabolola matshelo a bone ka meamuso e. society 9 Ipaakanyetso meletlo ya boipuso e tsweletse Mothusa molomaganya ditiro tsa komiti e tlhomilweng ke puso go baakanyetsa boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano lefatshe leno le ntse le ipusa Rre Bopelo Gabothusi, a re Batswana ba tshwanetse go ititaya ka thupana go baakanyetsa meletlo ya boipuso joo. E rile a bua mo phuthegong e neng e tshwaretswe mo dikagong tsa khansele bosheng, Rre Gabothusi a bolela fa komiti eo e okametswe ke komiti e e bopilweng ka matona a puso, mme e tlhatlhangwa ke komiti e tlhamilweng ka bakwaledi ba maphata fa e tsweletse ka go buisa diphuthego mo dikgaolong tsa lefatshe leno go lekodisa Batswana ka dipaakanyetso tsa boipuso joo. A re go mo maruding a Batswana ka bongwe ka bongwe gammogo le ba ba ipopileng ditlhopha go ipotsa gore ba diretse eng lefatshe la Botswana mo dingwageng tse di masome a mane le boferabobedi tse di fetileng go tsena ka 2016 fa lefatshe la Botswana le tla bo le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano le ntse le ipusa morago ga go tsaya Puso mo go Mma-mosadinyana ka ngwaga wa 1966. Rre Gabothusi o boleletse batsena phuthego eo gore ele banni ba Mahalapye le metse emo tikologong ba ka kgona go gatela pele fa gona le tshwaragano fagare ga badirelapuso, lekgotla la bagwebi,dikompone tse di kopanetseng ditiro le mmuso gammogo le setshaba ka bongwe ka bongwe go balelwa dikgosi le ba komiti ya ditlhabololo. A re letsholo la go simolodisa semmuso letsatsi la go bapatsa bagwebi ba kgaolo potlana ya Mahalapye, le tla tshwarelwa mo motsing wa Mahalapye kgwedi ya Phatwe e robabongwe, mme a re o kopa bagwebi ba ba botlana go isa disupiwa le ditiro tse ba di dirang kwa letsatsing leo e bile a kopa batho ba ba nang le ditso tsa motse wa Mahalapye go nna le seabe mo tirong eo. Rre Gabothusi o rile dingwe tse di tla dirwang ele go baakanyetsa boipuso jwa ngwaga wa 2016 ele dikgaisano tsa metshameko ya kgwele ya dinao,mmino wa setso,kapari ya Setswana le dikgaisano tsa Mma-bontle le Rabontle tse di tla tsenelelwang ke Batswana ba ba tshotsweng ka ngwaga wa 1966 tse makgaola kgang a tsone a tla tshwarwang ka 2016 fa lefatshe leno le tla bo le ipelela dingwag tse di masome a matlhano le ntse le tsere puso mo mmusong wa bokolone fa Batswana bone ba tla bo ba konetelela toro ya vision 2016 ya tshaba e kutlwelo-botlhoko, tshaba e kgatlhalang ka matshelo a batho ba bangwe e bile ele tshaba e rutegileng. E rile molaodi wa kgaolo ya Mahalapye Rre Bakuedi Masole a tswa la gagwe, a tlhalosa fa tiro eo e ka atlega fa ofisi ya gagwe,badiri ba lekgotla la tsamaiso makgotla a Setswana,badiri ba lekgotlana la kabo ditsha le botsamaise jwa klhansele ya kgaolo potlana ya Mahalapye ba ka ititaya sehuba mo go eteleleng pele dithulaganyo tsa meletlo eo. Rre Masole o kopile botlhe ba ba amegang gammogo le setshaba go tsenya lotsogo mo tirong eo ka jaana e ama Motswana mongwe le mongwe go balelwa le banana gammogo le bagodi ba eleng bone ba dirileng lefatshe leno se le leng sone mo dingwageng tsa gompieno. A re boipuso jwa ngwaga wa 2016 bo ka atlega fela fa klomiti e baakanyetsang boipuso jwa monongwaga le jwa ngwaga o tlang e ka e ka bereka bosigo le motshegare gore sengwe le sengwe se tsamaya ka tlhelelo. Kgosi Tsoebebe Duncan Segotsi o kopile botlhe ba ba kileng badirela mo pusong e bile bana le bokgoni go thusa komiti eo ka dikgakololo. Mabapi le go tlhoka go atlega ga meletlo ya boipuso jwa dingwaga tse di fetileng Kgosi Segotsi o boletse fa mathata ao a bakwa ke gore batho ba neelwa madi a go direla boipuso kwa dikgotlaneng tsa bone fa bana ba dikole le bone ba tshwarela meletlo eo kwa dikoleng tsa bone mo go dirang gore setshaba se se ka sa kgona go amopgela molaetsa wa ga tautona jaaka go tshwanetse. A re mo dingwageng tse di fetileng bana ba dikole bane ba phaphasetsa difolaga tsa lefatshe leno mo mebileng go supa fa letsatsi la boipusio ele le le faphegileng ka ele lone le ba tshwanetseng go ipelafatsha ka lone. Kgosi Segotsi o tlhaloitse fa asa itumedisiwe ke Batswana bangwe ba eyareng ka letsatsi la boipuso ba bo ba keteka manyalo le ditsala tsa bone, mmer a bolela fa ditiro tsa go nna jalo di tshwanelwa ke go emisiwa go tlotla letsatsi le lefatshe leno le tsetsweng ka lone. politics 7 Kgosi Tshipe o ba tlhagisa setshaba ka dikotsi Kgosi Tshipe Tshipe wa Mahalapye o kopile setshaba le morafe gore ba seka ba latlhisiwa boikarabelo ke boitumelo ka malatsi a boitapoloso go hema dikotsi tsa dikoloi. O buile mafoko a mo kokoanong ya ngwaga le ngwaga ya go rapedisa dikotsi tsa dikoloi tsa tsela ya A1 e e neng e rulagantswe ke ba lephatla la Dipalamo le Ipabalelo Tseleng. Kgosi Tshipe a re boitumelo mo nakong ya gompieno bo tlhokisa bangwe boikarabelo le setho. Kgosi o tlhalosistse fa go ka seke go thuse sepe le fa molao o ka gagamadiwa jang, ntleng le gore batho ba ikage. “Go a tshwenya ka beng ba tiro ba seyo, e leng bakgweetsi le badirisi ba tsela, go ne go ka nna bonolo ba le fa go itseela molaetsa,” Kgosi Tshipe a tshwaela. O kopile setshaba gore se itse gore boikarabelo jwa botshelo jwa bone bo mo go bone e seng mo mapodising. O ne a supa fa mo malatsing a gompieno batho ba sa obamele matshwao a tsela ba lebile mapodisi. O rotloeditse setshaba gore se nne le boammaaruri se itshireletse. Mookamela lephata leo mme Pearl Kasweka a re maikaelelo a go rapelela ditsela ke go fokotsa dikotsi. Mme Kasweka a re le fa lefatshe le itlamile go fokotsa dipalo, go botlhokwa gore ba-na-le seabe ba tsee karolo e e nitameng go kgona maikaelelo ao. O ne a tlhalosa gore go bitsa makalana le dikereke go rapelela ditsela go le botlhokwa. A re baemedi ba dikereke ke bone ba tlhomilweng go babalela mpho e tona ya botshelo. Mme Kasweka a re dikotsi tsa tsela di babalela le yone itsholelo ya lefatshe, ka mo ngwageng lefatshe le dirisa madimadi go thusa ka nako ya dikotsi. O supile fa makalana a tshwana le MVA a dirisa didikadike tse 200 tsa pula ka ngwaga. A re ntlha nngwe e e tshwenyang ke theko e ntsi ya dikoloi. Mme Kasweka o supile fa mo nakong ya gompieno go kwadisitswe dikoloi di le 800 000, mme ditsela di seo, ka madi a felela mo dikotsing. O kopile batsadi go ruta bana go fokotsa mabelo mo ditseleng ga mmogo le go emisa tiriso botlhaswa ya dino tagi. A re go botlhokwa go nna le go netefatsa gore a bana ba na le teseletso ya go kgweetsa. Fa a lekodisa dipalo tsa dikotsi tsa kgaolo, mookamela mapodisi a tsa pharakano wa NO 16 District, Supt Tuelo Komanyane a re mo ngwageng o, ba gatisitse dikotsi di le 744 tse di masisi fa dikotsi tsa dintsho di nnile masome a mabedi le bone, go nnile le dikgobalo tse di masisi di le masome a matlhano le boraro, . Supt Komanyane o ne tlhalosa fa Gwape, Morale le Pallaroad e le boremelelo jwa dikotsi. education 4 Seemo sa metsi se tla tokafafala kwa Mahalapye Diphaephe tse di anamisang metsi di tlaa tsenngwa kwa Mahalapye go tokafatsa seemo sa metsi kwa motsing oo. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwaretswe kwa Mahalapye bosheng, modulasetilo wa khansele ya Mahalapye Rre Cebane Jackson o tlhalositse fa rakonteraka a simolotse tiro ya go epela diphaephe kgwedi ya Moranang e tlhola lesome le borataro. O tlhalositse fa tiro eo e simolotswe kwa kgotleng ya Mowana mme e tlaa anama le dikgotla tsotlhe tsa Mahalapye mo nakong e e sa fediseng pelo. Rre Jackson o tlhalositse fa tiro eo, ya go gokela diphaephe e tlaa tlhama ditiro di le makgolo a mabedi mo Mahalapye mme bontsi bo tlaa hirelwa kwa diofising tsa pereko. O tlhalositse fa diphaephe tsotlhe tse di tlaa gokegelwang mo Mahalapye e tlaa nna tsa sekgele sa dikhilomithara tse di makgolo a mabedi le masome a mararo mme e tlaa tsaya dikgwedi tse di lesome le boferabobedi. Fa a araba kopo ya banni ya gore dipalo tsa badiri ba ipelegeng ba okediwe Rre Jackson o ne a tlhalosa gore ditiro tsa ipelegeng di ka okediwa ka go ntsha banana mo ipelegeng ba isiwa Tirelo Setshaba mme go tsenngwa bagolo mo diphatlheng tse ba duleng mo go tsone. Fa a ntsha la gagwe mokhanselara wa Flowertown-Boseja Rre Tumelo Koolekanye o kopile batsadi go inaakanya le thuto ya bana ba bone. O tlhalositse fa dikolo tse di mo kgaolong ya gagwe di sa dire sentle ka mabaka a maitsholo a e seng one le go tlhoka seabe ga batsadi mo thutong ya bana ba bone. Mokhanselara o ne a tlhalosetsa banni gore puso e tsere tshwetso ya gore maloko a komiti ya dithabololo a tlaa tsaya dingwaga tse tharo mo ofising go tswa mo dingwageng tse pedi. O ne gape a tlhalosa gore batho ba ba inaakantseng le sepolotiki ba sena go letlelelwa go nna maloko a komiti ya dithabololo. BOPA society 9 Kgetsi ya tsie e a tshwaraganelwa Batsadi ba gwetlhilwe go tsenya letsogo mo thutong ya bana le go ba rotloetsa go e tlhagafalela ka e le selotlolo sa botshelo jo bo eletsegang. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa mokgatlho wa batsadi le barutabana wa sekole se sebotlana sa Kolonkwaneng, Mme Virginia Tebele o kaile fa thuto e le konokono mo go ageng bokamoso jo bontle, ka jalo e tshwanetse go tsewa tsia. Mme Tebele o gwetlhile batsadi go tsaya maikarabelo a thuto ya bana le go nna le seabe mo go e tlhabololeng ka go etela sekole kgapetsakgapetsa go lekola maduo a bana, a kaya fa go dira jalo go ka baya motsadi mo seemong sa go itse gore a ngwana o dira sentle mo thutong kana jang mme a tle ka tharabololo nako e sa ntse e le teng fa e le gore ngwana o kwa tlase mo thutong. O boletse fa mokgwa o o ka felela o dira gore ngwana a dire botoka mo thutong ka a bone thuso seemo se ise se bifele pele. O ne a ba rotloetsa go tsenelela ditirelo tsa sekole jaaka diphuthego tsa batsadi le barutabana gore ba patagane le barutabana mme ba tswe ka megopolo e e nonofileng ya tokafatso maduo. Mme Tebele o kaile gape fa baithuti ba tshwanetse go rotloediwa le go tlwaediwa go dira tiro ya sekole fa ba le kwa lwapeng, a kopa batsadi go thusa baithuti fa ba palelwa e bile ba tlhoka thuso ya bone. O tsweletse ka go rotloetsa batsadi go ela tlhoko metsamao ya baithuti, a tlhalosa fa baithuti bangwe ba ikamanya le ditiro tsa botlhoka-tsebe jaaka go senya didirisiwa tsa sekole, go gana kotlhao jalojalo, mme se se ame thuto ya bone ka gantsi maitshwaro ao a baka kwelotlase ya maduo. Mme Tebele o tlhalositse fa diemo dingwe kwa malwapeng jaaka diphapang fa gare ga batsadi le kgokgontsho di ama thuto mme o kopile batsadi go hema diemo tsa go nna jalo. O rotloeditse batsadi gore fa ba na le kgotlhang ba seka ba e ntshetsa mo pontsheng go bonwa ke bana mme ba kope bogakolodi mo go ba ba tshwanetseng jaaka molaodi, baruti le bogogi jwa motse. Fa a ntsha la gagwe, Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Mankuku Kgaudi o supile fa batsadi bangwe ba le maoto a tshupa go tshwaraganela thuto le barutabana, a bolela fa batsadi bao ba na le mogopolo wa gore tiro ya go ruta ke ya barutabana fela. O tlhalositse fa nako ya go akanya jalo e fetile, mme mo bogompienong thuto e tshwanetse go tshwaraganelwa ke botlhe gore go nne le maduo a a utlwalang a thuto. Fa a itebaganya le baithuti, mme Kgaudi o ba gakolotse gore go reetsa dikgakololo tse di siameng go botlhokwa ka go na le maduo a mantle jaaka go dira bontle mo thutong le gone go nna sekao mo baithuting ba bangwe. O ba rotloeditse gape go ganana le ditsala tse di ba isang thaelong mme ba ikanye thuto ka e le yone bokamoso, a re ditiro tsa boganana ga di busetse mme maduo a tsone ke go itlhoboga mo go sa tlhokafaleng, dikatlholo tse di sa feleng le gone go tlhoka boikhutso mo moweng. education 4 Mapodisi a tshwere ba le bane ka dikgomo tse di belaetsang Mapodisi a Kang a tshwere banna ba le bane mabapi le go fitlhelwa ka dikgomo di le masome mabedi tse go belaelwang e le tsa bogodu kgwedi eno e tlhola malatsi a le mabedi. Go bolelwa fa dikgomo tseo di tswa kwa kgaolwaneng ya New Xanagas kwa Ghanzi, mme banna bao ba ne ba leka go di fetisetsa kwa kgaolong ya Kweneng kwa ntle ga bosupi bope jo bo papametseng gore ba di tsaya kae. Mo potsolotsong le mookamela mapodisi a Kang, Superintendent Olebeng Chingabe, o ne a tlhalosa gore mo dikgomong tseo go setse di le lesome le boferabobedi fela, morago ga gore tse pedi di fitlhelwe di gobetse ka nako ya fa di folosiwa mo terakeng mme tsa felela di sule. A re ba belaelwa bao, yo mongwe o dingwaga di masome mararo le boraro mme o tlholega kwa Mmopane mo kgotleng ya Letsetlhane, fa yo mongwe a le dingwaga di masome mane le borataro go tswa kwa Mogoditshane mo kgotleng ya Makata, yo mongwe o dingwaga di masome mane le boraro a tswa Molepolole mo kgotleng ya Moitoinyana, fa wa bone a le dingwaga di masome mararo le boferabongwe mme a tlholega kwa Mogoditshane Block 9. Supt Chingabe a re ditlhotlhomiso tsa mapodisi di supa fa dikgomo tseo di tswa kwa kgaolwaneng ya New Xanagas, mme borre bao, ba ne ba sa di kwadisa ka fa thulaganyong e e lolameng ya go fudusa loruo go tswa mo kgaolong go ya kwa go e nngwe. A re go supa fa borre bao ba ne ba kwadisa dikgomo tseo fela kwa lekgotleng la New Xanagas kwa ntle ga go itshwaraganya le ba sepodise jaaka e le tshwanelo. Le fa go le jalo, a re borre bao, ba ne ba gololwa mme ba letsholo la KgomoKhumo kwa kgaolong ya Ghanzi ba ne ba rolelwa kgang eo go e latedisa. O ne a kopa barui ba ba timeletsweng ke dikgomo go tswa New Xanagas le tikologo go ikgolaganya le mapodisi a a gaufi kgotsa go tla go bona dikgomo tseo kwa Kang. E re dikgang di eme jalo, Supt Chingabe o supa gore fa e sale go tlhongwa seemo sa kiletso mesepele, go nnile le kwelo-tlase ya dikgang tsa borukutlhi. A re ba tshwenngwa ke batho ba ba santseng ba saila mo mebileng ya Kang, bogolo jang banana, kwa ntle ga mabaka ape. Supt Chingabe a re ba setse ba atlhotse batho ba le masome mararo le bongwe ba dingwaga tse di lesome le bosupa go ya kwa go masome a mararo le boferabobedi mabapi le go sasanka. A re ba ne ba tshwara batho ba le bararo ba ba neng ba apaya bojwala jwa Setswana mo malwapeng, fa ba le babedi ba ne ba tshwarwa morago ga go fitlhelwa ba rekisa bojalwa kwa ntle ga teseletso, mme ba atlholwa madi a a sa feteng dikete tse tlhano tsa dipula. Supt Chingabe o gakolotse setshaba gore fa motho a sa obamele molao wa COVID-19, o ka atlholwa P100 000 kana kgolegelo e e sa feteng ddingwaga tse tlhano. O supile fa ba tshware phage ka mangana mabapi le batho ba ba batlang diteseletso mme ba sena mabaka a a nonofileng. A re kiletso mesepele ga se go baya batho ka fa mosing, ke go leka go babalela matshelo a bone ka jaana bolwetse bo kekela ka monokela. END crime_law_and_justice 1 Letlhakeng o ipelela ngwao Motse wa Letlhakeng o tla a keteka letsatsi la ngwao kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome mabedi le borobabongwe. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, kgosi wa motse oo, Rre Itsoseng Gaoonwe a tlhalosa gore ka letsatsi leo go tla a bo go aperwe diaparo tsa setso jaaka dijale, mateisi, mpeetshane le diaparo tsa matlalo e bile go tla bo go jewa dijo tsa setso di akaretsa legodu, bogobe jwa lerotse, dinawa, letshotlo le tse dingwe tse di farologaneng. A re dikgotlana ka go farologana di tshwanelwa ke go tla di dirile bojalwa jwa setso, mme a kopa morafe go tla ka tsotlhe tse di tla a tlhokegang ka letsatsi leo, a tlhalosa fa e tla a bo e se letsatsi la ga ope mme ele la morafe wa Letlhakeng ka kakaretso. O buile a menne phatla gore ga go na go letlelelwa ope go tsena mo kgotleng a apere borokgwe gonne ga se setho. O kopile morafe go iketleetsa ka palo e e kwa godimo le go tsaya karolo mo moletlong oo. A re monongwaga thobo e nnile ntsi ka jalo moletlo o, e tla bo e le tsela nngwe ya go lebogela thobo eo. arts_culture_entertainment_and_media 0 Lore lo ojwa lo sa le metsi Mopalamente wa Tonota Borwa, Rre Pono Moatlhodi o supile matshwenyego ka boitshwaro jwa bana jo bo sa eletsegeng mo setshabeng. O buile jalo mo phuthegong ya kgotla ka Labotlhano, Seetebosigo a tlhola malatsi a le marataro mme a re bagodi ba tshaba go ya masimo ntateng ya borukutlhi jo bo dirwang ke bana ba Tonota. Mopalamente Moatlhodi a re o amogetse dikgang di le nne tsa batho ba ba beteletsweng mo motseng, a tlatsa ka gore se fa se ka nna se tswelela batla nna tshaba e ntseng jang. O kopile batsadi go tlhokomela bana ba basetsana a re ba seka ba ba tlogela ba le esi fa baya kwa masimo kana ba tsaya leeto le le telele. A re se se dirwang ke bana ba motse oo, ke kgokgontsho e e tlhokanang le thupa fela, a ba a fa sekai sa gore bone ba godile le bana ba basetsana fela, ka go ya masimo botlhe, ba disa mmogo le go thuma mo nokeng le bone go sena tsapa le fisang pelo. Mopalamente Moatlhodi o ne a rothisa keledi fa a bua ka dikgang tsa go nna jalo, a kopa batsadi gore ba kgalemele bana ba bone, a re le bomme ba lese go bipa mpa ka mabele ka go fitlha dikgang tsa tlhakanelo dikobo ya motho le ngwana wa gagwe. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Oeme Tangani a re borukutlhi bo bontsi mo motseng bogolo jang kwa masimo. O kopile mopalamente gore ba tsenye lentswana ka fa go borre ba mapodisi a re mapodisi a bomme ga ba kake ba kgona go tshwara serukutlhi ba le esi. Rre Tangani a re batho ba tshelela mo letshogong, ka jalo fa ba ka okelediwa palo ya mapodisi batho ba ka tsamaya ka tshosologo. O rotloeditse borre go tsenelela mananeo a puso a re borre ba maoto a tshupa ntswa puso e otlolotse letsogo. Rre Tangani o buile gape gore dikgang tsa motse wa Tonota ke tsone tsa malatsi otlhe gape Mopalamente o a di itse, a re dingwe tsa tsone ke letlhoko la baoki le dingaka, go agelwa sepatela se se tla a thusanang le sa Nyangabgwe kwa Francistown. Fa a mo kgwa dikgaba, moagi wa Tonota Rre Thapelo Olopeng o ne a kopa morafe go ipelega mme a re ba tshwanetse go itirela tsamaiso ya go tlhabolola motse wa bone. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Go botlhokwa go otlolola seatla Mmatoropo wa Lobatse, Mme Malebogo Kruger, a re go botlhokwa go otlolola letsogo ka go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong gore le bone ba tle ba tshele botshelo jo bo botoka. Mme Kruger o buile jalo ka Matlhatso (Lwetse a le lesome) fa mokgatlho wa bomme wa kereke ya Wesele kwa Lobatse le setlhopha sa kgwele ya dinao sa Diphashasha ba ne ba abela bana ba ba robaditsweng mo kokelong ya Athlone. Mme Kruger o boletse gore kereke e dira tiro ya Modimo, a tlatsa ka gore ba tshwere thipa ka fa bogaleng, jaaka erile ba akanya ba gopola bana a re ke nako e e botlhokwa, go otlolola lebogo la molemo la lerato. Mme Kruger a re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go tsenya seatla go gopola bana ka metsotso e e masome a matlhano, le gone gore go ipelelwa boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano, lefatshe leno le ipusa. A re se se itumedisa bana mme eseng bone fela, a re le baoki ba a kgothatsega go bona gore ba kopanetse go oka moo le mongwe kgotsa bangwe kwa ntle, a re kabo dimpho e ke go tsaya puso tema. Modulasetilo wa mokgatlho wa bomme, Mme Buni Ditshwane a re maikaelelo a bone ke go direla Modimo, mme ba dira tse di tshwanetseng jaaka go tlhola balwetse kwa dikokelong, magolegwa kwa dikgolegelong le go fa ba ba senang dijo, sengwe sa go ja. Mme Ditshwane a re gape ba direla lefatshe, go diragatsa lengwe la matshego a tebelo pele, a tlatsa ka gore go aba mo ga go a tla ka phoso ke ka gore ba kelotlhoko, ba kutlwelobotlhoko le gone go supa lorato. A re gape ba gwetlhiwa ke maikano a mokgatlho oo a a ba tlamang, a re lorato le go kgathala, ka ba bangwe go supa lorato mo setshabeng Bomme bao ba abetse bana bao melora e e tlhapang ya bana, dibaselapa, melora e e tlhatswang dibaseline, le metseto, dithoto tse a reng di lopile madi a a fetang dikete tse nne tsa dipula. Go sale foo Rre Abel Mathiba wa setlhopha sa Diphashasha o ne a supa gore ba motlotlo go bo ba abela bana morago ga dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano setlhopha se ntse se le teng, le gone go diragatsa maikaelelo a go nna le bana metsotso e e masome a matlhano. Rre Mathiba a re ba fa bana ba mpho fela pele ga ipelelo boipuso gore ba bone gore mme le fa ba le mo bookelong, go na le mongwe kwa ntle yo o kgathalang ka bone. O ne a gwetlha ditlhopha tse dingwe gore le tsone di tsenye letsogo mo dikgetsing tsa bone go bona gore ba thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong go tokafatsa matshelo a bone. Fa a tswa la gagwe, molomaganya ditiro wa setlhopha sa Diphashasha Rre Thabiso Masaka a re ba ne ba tla mo kokelong go utlwa le go lemoga letlhoko mme ba tsamaya ba kopa dithuso mo dikomponeng ka go farologana mo Lobatse. society 9 Leswe kwa letamong ga le jese di welang Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Mandunyane mo kgaolong-potlana ya Tonota, Rre Samuel Mutoriti a re seemo sa go gasama ga matlakala mo tikolong ya letamo la Shashe ga se itumedise. Rre Mutoriti o buile jalo mo potsolotsong lbosheng. A re go gasama ga matlakala ntlheng nngwe ya letamo ke kgwetlho e e tsweletseng ka go gola ka jaana matlakala a felela a tsena mo letamong. Rre Mutoriti a re matlakala a a dirwa ke bangwe ba ba etelelang kwa letamong go itlosa bodutu segolo jang ka mafelo a beke. A re bangwe ba tla letamong go ka dira maitiso a nakwana, bangwe ba tla ba rwele majalwa mme morago ba tlogele matlakala a ba a dirileng a gasame. Rre Mutoriti o bile a supa gape fa bangwe ba etela tikologo ya letamo go ka dira ditiro tse di fatlhang tsa marato le tse dingwe ka go farologana. A re ntle le gore matlakala a a leswefatsa tikologo, a felela a ama le tsone ditshidi tse di nnang mo letamong di akaretsa ditlhapi le digogwane. A re go tlhoka go babalela tikologo ya letamo, go ka baya batho ka fa mosing ka jaana banni bangwe ba motse wa Mandunyane le metse e mengwe e e mo tikologong ba dirisa letamo jaaka motswedi wa itshetso. A re ka nako ya go tshwarwa ga ditlhapi e goroga, bangwe banni ba metse e ba dira kgwebo ya go rekisa ditlhapi. Rre Mutoriti o supile fa a se kgatlhanong le gore batho ba ka etela letamo ka nakwana, fela a re o santse a le sebete se molangwana gape o kgala maitiso a a tshwarwang gone kwa tamong. A re se se rotloetsa kgotlelesego ya tikologo ka jaana go sena lepe lefelo le le faphegileng gore batho ba ka itiketsa teng. ENDS environment 5 Bayeyi ba leboga Tona Tsogwane Bayeyi mo Gumare ba lebogile Tona Slumber Tsogwane go ba fa pego mabapi le kgang ya go lemogiwa ga morafe wa bone. Ba buile seo mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi mo Gumare. Fa ba akgela, Rre Moqhaho Ramphisi o ne a re o leboga tona Tsogwane go ba itsise fa go na le tswelelopele mo boikuelong jwa bone. Fa a akgela, Mme Saywa Mmusi o ne a re kgang ya bone e tsere lebaka go rarabololwa ka jalo a re o solofela gore karabo ya Mopitlo ngwaga o o tlang e tlaa nna ya bofelo. Tona Tsogwane o ne a ba tlhalosetsa fa kgang ya bone e le gautshwane le go ya bowetsong. O ne a re ditherisanyo di wetse ka jalo tshoboko yotlhe e isitswe kwa go Mma Melao Mogolo yo o tlaa isang pego ko Palamenteng. Ka jalo tona Tsogwane o ne a ba solofetsa fa palamente e e tlang e tlaa rarabolola kgang eo mme ba solofele karabo ya bone Mopitlo ngwaga o o tlang. Rre Tsogwane o ne gape a ba lebogela go bo ba ne ba wetse dibete le ntswa ba ne ba solefetse go le gontsi. Fa a ntsha la gagwe, mopalamente wa Okavango Rre Bagalatia Aaron, o ne a re puso e dirise ikgaratlhelo ya morafe wa Bayeyi go golola mefafe e mengwe e e sa lemogiweng. O supile fa puso e senyegelwa ka go rarabolola dikgang tsa go nna jalo ka bongwe ka bongwe, mme a re tharabololo e nngwe fela e ka fetsa mathata. BOKHUTLO society 9 Mascom e abela baithuti Mo go ketekeng dingwaga di le masome a mabedi, ba kompone ya megala ya Mascom ba ne ba bona go le maleba go thusa tshaba e ba direlang mo go yone. E ne ya re bosheng ba Mascom ba abela baithuti ba basetsana ba sekolo se segolwane sa Masunga mephuthelwana e le dikete tse pedi ya mesangwana ya bomme. Mogolwane wa Mascom, Mme Metseatsile Lesogo a re le ntswa go bona setswalo e le tlholego e mme mongwe le mongwe a tsenang mo go yone, go lemosegile fa bomme, bogolo jang bana ba basetsana, ba kopana le dikgwetlho go ka bona mesangwana ya go nna jalo. Mme Lesogo a re ba lemogile gape fa se se kgona go itsa bana bao go ya dikolong fa ba bangwe ba felela ba dirisa dilo tse di sa siamang jaaka dipampiri, dipolasetiki, diaparo tsa bone le tse dingwe jalo, tse a boletseng di kgoreletsa seriti le botsogo ja ngwana wa mosetsana. A re go tlhoka mesangwana ga baithuti go ka feletsa go ba gogela mo go batleng ditsela dingwe tse di sa lebanang gore ba kgone go nna le yone. Mme Lesogo o ne a kgothatsa baithuti ba ba basetsana ba sekole seo, go itse fa go bona setswalo e le tlholego e ba sa tshwanelang go e tlhabelwa ke ditlhong, mme e bile ba sa tshwanela gape go gataka seriti sa bone ka ntlha ya sone. Fa a tswa la gagwe mogokgo, Mme Mmadube Letsholathebe o ne a leboga ba kompone ya Mascom ka mpho eo, e a tlhalositseng fa e tla naya baithuti seriti. O ne a supa fa bana ba basetsana ba le botlhokwa ka ditsela tse di farologaneng, ka jalo go le botlhokwa gore ba nne ba lemogwa ka dinako tsotlhe. Mme Letsholathebe o ne a kopa ba Mascom go tswelela ba thusa sekolo sa gagwe go tsweledisa loeto le ba setseng ba le simolotse le sone. Mo mafokong a gagwe, mogolwane go tswa mo lephateng la thuto go tswa ko moding mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Angela Matlhape o ne a supile fa lephata la gagwe le ne la tswa ka mogopolo wa Adopt-a-School ka ngwaga wa 2012,morago ga go lemoga fa puso ka nosi e ka seke ya kgona, ka jaana mokgweleo wa thuto e le kgetsi ya tsie A re mpho eo e tshwanelwa ke go lebogelwa ka jaana baithuti ba tswa mo malwapeng a itsholeleo e e farologaneng mo bana bangwe ba iphitlhelang ba sa kgone go rekelwa mesangwana ya bomme. Mme Matlhape o ne a supa fa go itumedisa ka go lebega makalana ka go farologana le batho ka bongwe ka bongwe, ba tsibogetse lenaneo leo, ka jalo a ba rotloetsa go seke ba felela fela mo Masunga mme ba ise thuso ya bone le kwa dikolong tse dingwe tse di kgolwane tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba. education 4 Bogole ga bo kgobe Mokgele marapo Batswana ba tswa kgakala ba ipelega le fa diemo tsa botshelo di ka thatafala jang. Motho o a kgopiwa, a tsoge mme a tswelele le loeto lwa botshelo. Mme Regina Mokgele wa Gabane, ke mongwe wa Batswana ba ba raletseng diemo tse di botlhoko mo botshelong mme a sa ineele. Mme yo wa dingwaga tse 57, o phakelela fa pele ga kokelwana ya Metsimotlhabe moso le moso go ipatlela phaletshe ka go rekisa. O boletse mo potsolosong gore o godile a rata kgwebo le go itirela ka diatla. A re o simolotse a itiretse tshingwana ya merogo mo lapeng, mme morago a tlogela a ya go berekela lekalana la Roma ya Metsimotlhabe le le tlhokomelelang balwetse mo malwapeng. A re e rile ka 2010 a sa tlhole a bereka, a fiwa madi ke lenaneo la ba-na-le bogole. “Ke ne ka fiwa P500 mme ka ipulela kgwebo ke rekisa dimonamone,” o tlhalositse jalo O bolela fa a ne a iteka lesego mo lenaneong la nyeletso lehuma ka 2015 mme a atlega. A re o ne a fiwa P15 000 le semausu a bo a tsenyediwa le tse a di rekisang. Mme Mokgele a re o itheketse bolao le kobotlo ka madi a a dirileng mo kgwebong, mme a mangwe o a boloka kwa posong. A re bontlha bongwe jwa madi o a dirisa go tlhokomela bana ba bomonnawe ka jaana a sena ngwana. O lebogile ba boipelego ka jaana ba mo fa dijo kgwedi le kgwedi gape a fiwa madi a ba-na-le bogole a e leng P300 ka kgwedi. Sefatlhego sa gagwe se a sesafala fa a bua ka go lwala ga gagwe. O tlhalositse fa a ne a swa mhama ka 1980, mme ga dira gore a palelwe ke go tsamaya mme a fola ka thuso ya bongaka jwa sekgoa. “Ka 2000 ke bo ke thulwa ke koloi ke tswa Marina mme ka robega fa motwaneng.” Mme Mokgele o nna mo lapeng la batsadi ka jaana a ne a lwala bolwetse jwa go wa. Seemo se sengwe se a kopaneng naso ke gore o latlhegetswe ke batsadi a sa le monnye. Ka jalo, o simolotse go ithuta botshelo go tswa bonnyeng gonne a ne a gana go nna le masika morago ga loso la batsadi. O lebogile puso go menaganye ka jaana ene le barwarraagwe ba fera bongwe ba thusitswe ke lenaneo la dijo tsa masiela. Mme Mokgele o tlhalosa fa a tsenye sekole sa go dira ka diatla kwa Tlamelong mo Tlokweng ka 1985 go tsena 1986. Ke gone kwa a ithutetseng go jwala merogo, go roka le go apaya teng. Le fa a raletse dikgwetlho tse di kana, Mme Mokgele o itshegetsa ka tumelo. O boletse fa a sale a tsene Roma ka 1963 mme ga a ise a ke a latlhe kereke ka nako epe. A re kgwetlho e a lebanyeng nayo ke pula ka jaana semausu se a se filweng ke puso se senyegile, mme fa pula e na, ga a kgone go ya go rekisa. Mme Mokgele o gakolotse ba-na -le bogole jaaka ene gore ba tlogele go nna ba sa dire sepe ka jaana botshelo bo le thata. “Fa o re o ya go batla tiro ka setlankana sa non-formal ka dingwaga tsame, o ya go gaisana le banana ba ba tlang ka dithutego tse di kwa godimo,” a tlhalosa. O gakolotse fa mokgwa wa go ipitsa mohumanegi o sa siama ka jaana o ntsha mo tsholofelong. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Mogokgo o kopela baithuti boroko Mogokgo wa sekole sa Oodi College of Applied Arts and Technology, Mme Mildred Boduwe o kopile banni ba Oodi, Mokatse le Modipane go fa bana ba sekole seo boroko ka jaana go solofetswe dipalo tse dintsi tsa bana ba ba tlang go simolola sekole. Fa a bua kwa moletlong wa go aba dimpho kwa Mokatse ka Labobedi, Mme Boduwe o boletse fa a kopa batsadi go sekegela bana tsebe fa ba kopa go hirisa matlo a bone gore ba kgone go ithuta ka thelelo. A re o solofetse gore palo ya bana e ye kwa makgolong a matlhano go tswa mo go lekgolo le masome a supa a bana ba ba ntseng ba tsena mo sekoleng seo fa sekole sone se ka kgona go fa bana ba le makgolo a mabedi le masome a mararo boroko fela. O tsweletse a re seo se raya gore bana bangwe ba ya go tlhoka boroko ka jalo morafe ke one o ka thusang ka go ba fa boroko. A re go le pele palo ya bana e ne e le kwa tlase mme jaanong seemo se fetogile bogolo jang ka gore univesithi ya maranyane e fudugetse kwa Palapye. O kopile morafe go ba tswa thuso ka bana ba tla bo ba tswa mo dintlheng tse di farologaneng tsa lefatshe leno go tla go ithuta mo sekoleng seo. BOKHUTLO education 4 Bogodu ga bo jese kgosi diwelang Kgosi wa Tumasera mo kgaolong ya Tswapong a re o tshwenngwa ke gore fa go tsena malatsi a keresemose le ngwaga o mosha banana ba motse oo le bagwebi ba bojalwa ba simolola boitshwaro jo bo duleng mo tseleng. Kgosi Kelapile Maleele o tlhalositse mo potsolotsong gore nnotagi e dirisiwa phetelela mme morago go simologe dintwa tse mo go tsone go dirisiwang ditlhabani tse di bogale. Kgosi Maleele a re bangwe ba dirisa malatsi a go utswa leruo kwa merakeng. A re selo se sengwe se se mo tshwenyang thata ke bagwebi ba bojalwa ba ba sa obameleng dinako tsa thekiso ka malatsi ao ntswa ba tshela ba di obamela. A re fa mapodise a sena go laola gore marekisetso a tswale bagwebi ba sala ba bula gape fa mapodise a hulara. Kgosi o boletse gape gore fa go na le loso mo motseng ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha bontsi jwa banana ba palelwa ke go lo tlotla ka ba tsosa modumo o o feteletseng. O supile fa diemo tse di mo tshwenya thata le ntswa fa gare ga ngwaga go se maswe. Kgosi Maleele o boleletse banana gore malatsi a, ga se a borumolano, ka jalo a kopa setshaba gore se a dirise ka fa tshwanelong go itumedisa masika le ditsala. O kopile batsadi go tiisa lentswe la kgalemo mo baneng. Kgosi o boletse gore o lemogile gore bontsi jwa banana ba ba tlhagelelang thata mo borukutlhing jo, ke ba e a bong e le gone ba fetsang mophato wa boraro le wa botlhano kwa dikoleng tse dikgolwane mme o ba gakolotse gore botshelo jo bontle bo a ipetlelwa ka ditiro tse dintle. society 9 Go rekisa dijo go tlodisa Tshitso melatswana Go itirela ka diatla ke selo se se siameng mo botshelong. Ka jalo Mme Keabetswe Tshitso wa Tsabong yo o dingwaga di masome mararo le bobedi o tlhalositse fa go le botlhokwa gore le ene a eme ka dinao go inaakanya le tsa kgwebo go itshetsa. Mme Tshitso yo tlholegang kwa Kanye, o tlhalositse fa a sale a tsere maele a tsa kgwebo mo go mmaagwe yo o neng a rekisa diaparo. A re morago ga go tlhoka go dira sentle mo mophatong wa boraro, o ne a kgatlhegela go thusa mmaagwe go rekisa. O boletse fa e ne ya re ka 2003, mmaagwe a amega mo kotsing ya koloi, mme a mo rolela kgwebo eo go e tsweledisa, ka a ne a sa kgone ka ntlha ya go tlhoka go tsoga sentle. Ka go twe phokoje go tshela yo o dithetsenyana, Mme Tshitso yo bareki ba gagwe ba tlwaelesegileng go mmitsa Kay, a re o ne a itoma molomo wa tlase gore a seka a swabisa mmaagwe. A re o ne a lemoga fa kgwebo ya go rekisa diaparo e aname mo Kgalagadi Borwa, mme a e emisa ka a ne a bona theko e wetse tlase. O kaile fa a ne a tswelela ka semausu, mme ka 2014, a lemoga fa dimausu di le dintsi mme a tswala sa gagwe a tswelela ka go rekisa airtime le dimonamone. A re mo nakong ya gompieno, ke moagi wa Tsabong ka ntlha ya go latela mafulo a matalana, mme o setse a ikagetse ntlo gape o setse a boloka bontlha bongwe jwa morokotso wa madi a a a dirang. Mme Tshitso o bolotse fa jaanong mono ngwaga a remeletse mo kapeing ya dijo go rekisetsa badiri ba puso. O kaile fa kgwebo ya dijo e dira sentle le fa go na le kgwetlho ya go tlhoka bareki nako e nngwe. O tlhalosa fa a sa ntse a dira fela a le nosi mme a na le tsholofelo ya go thapa monana mongwe yo o ka mo thusang fa kgwebo e ntse e gola. Kgwetlho e nngwe o kaile fa e le go tlhoka sepalamo. “Modimo ga o je nkabo ke solofela gore nako nngwe ke tlaa bo ke itheketse koloi e e leng ya me,” a bua jalo ka monyenyo. E re le ntswa dikgwebo tsa dijo di le dintsi mo Tsabong, Mme Tshitso a re ene o oka bareki ka go apaya dijo tse di ba gogelang ka tatso le ka nako e e tshwanentseng. O ne a gwetlha banana go inaakanya le dikgwebo tse ba di ratang, go nna pelotelele le go itepatepanya le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone go tila go phutlhama ga dikgwebo mo go atileng. society 9 Madigele o tlhola badiredi Mothusa tona wa tsa botsogo, Dr Alfred Madigele o ne a etetse Selebi Phikwe go lekola sepatela le dikokelwana tsa toropo eo. O ne a leboga lephata la botsogo kwa Selebi Phikwe ka ke lengwe la a dirang bontle thata mo go neeleng setshaba thuso mo go tsa kalafi. Lephata leo le tsere maemo a bobedi ka go thomagana ka ngwaga wa 2012 le 2013. A re sepatela se ga se thuse banni ba toropo ya Selebi Phikwe ba le bosi, mme se thusa le ba mafelo a a mabapi jaaka Bobonong le Mmadinare ga mmogo le dikokelwana tsa dikgaolwana tse di kgakala jaaka Gojwane le Serule. Dr Madigele a re o lemoga fa kokelwana ya Botshabelo le Tapologo di sa tswalwe le gore dikokelwana tseo di na le tsa pelegi se e leng maiteko a a kgotsofatsang. A re o itumelela gore phetogo e e dirilweng kwa dikokelwaneng ya gore di seka tsa tswalwa e fokoditse mosuke kwa sepateleng. A re go bulwa ga ntlo ya pelegi kwa kokelwaneng ya Sesame ke maiteko a matona thata ka batho ga ba latele ditlamelo kgakala. Ga a wetsa tona o ne are o kgotsofalela kalafi e maokelong otlhe le e e ko mabeelong. A re kanamiso ya diritibatsi tsa mogare wa HIV le yone e a nametsa ka dikokelwana tsotlhe mo toropong di fa kalafi eo Mosupologo go ema Labotlhano. Fa ba latlhela la bone baoki le babereki ba ne ba ngongorega ka letlhoko la boroko le tlhaelo e e tseneletseng ya dikoloi tse di pegang balwetse. Ba ne ba ngongorega le ka bodiredi jo bo tlhaelang ka bo ba paledisa go dira tiroya bone ka bonokopila mo balwetse ba felelang basa itumelela thuso ya bone. Ba ne bakopa gore mo kabong ya madi ya ngwaga ono ba rekelwe dikoloi tse di pegang balwetse le di dirisiwa tsa itshireletso. health 6 Kgosi Motoane ga a robadiwe ke diletso Kgosi Lekang Motowane wa Sesung kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng o supile ngongorego mabapi le modumo wa diletso tse a reng di atile mo motseng wa gagwe. Kgosi Motowane o ntshitse matshwenyego a gagwe mo potsolotsong le A re pele bangwe banni ba ne ba leletsa diletso kwa godimo le mo gare ga beke tota, selo se a reng se ne se kgoreletsa bana ba sekole go bala. A re fa e sale a tsaya setilo sa bogosi ka 2016, o ne a leka thata go lwantsha dikgang tsa go nna jalo. A re o dumela fa seo se ne sa tsisa diphetogo mo motseng, mo le maduo a bana ba sekole a neng a tokafala ka 2017. O supile fa dikgang tse dingwe tse di tshwenyang e le go apewa ga majalwa mangwe a a sa letlelelweng, a barekisi ba one ba a apeelang mo sephiring. O tlhalosa fa monongwaga go ntse le ditiragalo di le tharo tsa dipolao tsa marato mo Sesung, a kaya fa ba leka mo diphuthegong tsa kgotla go tsibosa batho gore fa ba na le tlhoka kutlwisisanyo ba bone kgosi, mapodisi kana ba boipelego go ba thusa go rarabolola dikgang tsa bone. O ne a supa fa diemo tse di ngomolang pelo tseo di felela di tlogela bana e le masiela ba tlhoka yo o ba tlhokomelang. Kgosi Motowane o ne gape a kopa batsadi go kgalemela bana, a re bomalome le borangwane ba nne karolo mo go kgalemeng fa bana ba tlhoka tsebe, mme fa go pala ba fetisetse dikgang kwa go ba ba maleba. O supile fa ba ikaelela go kopana le baruti ba dikereke mo motseng gore ba leke go gogela batho kwa kerekeng, ba ba rute ka lefoko la Modimo ga mmogo le go itshwarelana. O ne a supa gape fa dititeo le go tlhabana ka dithipa go ne go atile thata mo bananeng, ga mmogo le bogodu jwa go thujwa ga matlo le marekisetso. A re mapodisi ba ne ba dira ka thata go lwantsha botlhoka tsebe jo mo dipalo di neng tsa fokotsega. Kgosi Motowane o ne a supa fa motse wa gagwe o gola mme ditlhabololo tsa one di santse di saletse kwa morago. O kaile fa go na le tlhaelo ya matlo a boroko a badirelapuso. society 9 Mosuke mo matlong a borutelo o ko godimo Mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Kgaogano Pagiwa a re sekolo seo se lebanwe ke kgwetlho e kgolo ya tlhaelo ya matlo a borutelo le mosuke o o ko godimo. O supile fa ba tshwenngwa thata ke seemo sa tlhaelo ya matlo a borutelo, selo se a supang fa se ba ketefaletsa tiro ebile se kgoreletsa dithuto tsa bana. A re ba patalesega go rutela bontsi jwa bana ka fa tlase ga ditlhare mme nako tse dingwe ba kgorelediwa ke seemo sa bosa se tshwana le dipula. Rre Pagiwa o ntshitse ngongora e mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng, Rre Thomas Batlhophi yo e ebileng gape e le mokhanselara wa kgaolwana ya Takatokwane/Dutlwe. A re palo ya baithuti ba sekolo seo e gola ngwaga le ngwaga , a supa fa mo bogompienong se na le baithuti ba le 665,mme matlo a borutelo one a le lesome le borataro. A re ka jalo ba patelesega go sukaganya palo e ntsi ya bana mo ntlong ya borutelo e le nngwe ka ba na le tlhaelo e ntsi. O supile fa go sukaganya bana e le kgwetlho ka jaana ba sa kgone go laolesega sentle. A re sekolo seo se itemogela kwelotlase ya maduo ngwaga le ngwaga mme a ikuela mo batsading go tshwaragana le barutabana gore maduo a tle a tokafale. Le fa go ntse jalo, Rre Pagiwa o ne a supa fa tlhaelo ya barutabana e e neng e tshwenya pele e tokafatse ka jaana ofisi ya thuto e e mo kgaolong potlana ya Letlhakeng e neetswe boikarabelo jwa go hira go na le go kopa barutabana kwa diofising kgolo jaaka go ne go dirwa pele. E ne ya re go le pele, batsadi ba supa fa seemo sa sekolo seo se ngomola pelo fela thata ka jaana bana ba rutelwa ka fa tlase ga ditlhare ka nako tsa mariga mme ba supa fa seo e le nngwe ya kgwetlho e e digelang maduo a bana kwa tlase. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo Rre Batlhophi o ne a gatelela botlhokwa jwa tshwaragano ya barutabana le batsadi, a kaya fa popagano ya bone e le konokono mo go tokafatseng seemo sa thuto ya bana. Rre Batlhophi o ne a tlhalosa fa seemo sa tiego ya dibuka se tla tokafala,ka e tla re mo bogaufing go abelwe dikole tse di farologanyeng dibuka. A re mathata a tiego e nnile go ntsha dithendara thari mme a solofetsa fa ba itlamile gore e re ngwaga o o tlang ba e ntshe ka nako gore ba seka ba nna le kgwetlho e gape. O ne gape a kopa barutabana bangwe ba sekolo seo gore ba iphuthe methala ka go dira tse dintle gore ba nne sekao mo baneng ka le bone e le batsadi ba bone. O ne a gatelela se morago ga gore batsadi bangwe ba supe fa ba sa jesiwe diwelang ke maitsholo mangwe a barutabana ba ba direlang mo motseng oo. education 4 Ditlou di tlhakaladitse kwa Mokubilo Mothusa kgosi wa Mokubilo Kgosi Badigeng Resetse a re ditlou di tlogetse balemi ba iphotlhere morago ga gore di ba senyetse diterata tsa masimo. Kgosi o tlhalositse jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Boteti Botlhaba Rre Sethomo Lelatisitswe kwa motseng oo. A re ditlou di tshosetsa matshelo a banni ka jaana di setse di gorora le mo motseng. A re ditlou tse gantsi di a bo di batla metsi, a kopa gore puso e di batlele kwa di ka nwang teng kgakajana le masimo le motse. Kgosi Resetse o supile gape gore o tshwenngwa ke tiriso botlhaswa ya dinno-tagi mo motseng wa gagwe. A re e ama bana le thuto ya bone ka jaana batsadi bangwe ba sena nako ya go ba tlhokomela. Mo pegong ya komiti ya ditlhabololo tsa motse, modulasetilo Rre Pini Gaborapelwe o tlhalositse fa Ipelegeng e tsweletse sentle. Rre Gaborapelwe a re kgang e e tshwenyang ke ya kokelwana. A re e tlhoka go atolosiwa le go dirwa gore e bereke bosigo le motshegare. A re phimolo keledi ya ditlou ga e arabe selelo sa bone ka gore e kwa tlase. A re seemo sa metsi se botoka mme fela a tlhoka go phatlaladiwa le motse ka bophara. Rre Gaborapelwe o ne a gakolola fa go le botlhokwa gore bana ba ba nnang kwa marokong a RADS ba tlhoka motho yo o ka nnang le bone kwa matlong ao ka bangwe ba bone ba le bannye. Fa a ba kgwa dikgaba, Rre Lelatisitswe a re kgang ya ditlou ke selelo sa kgaolo yotlhe mme go ntshitswe lekoko le le sekasekang gore di ka dirwa jang, a tlatsa ka go re pego e tlaa ntshiwa kwa palamenteng e e tlang. Rre Lelatisitswe o ne a lemotsha batsadi gore thuto ke boswa jwa motho jo a ka sekeng a bo tseelwa ke ope. A re ba ikgaphe mo tirisong botlhaswa ya dinno-tagi ba tlhokomele bana. Fa a itebaganya le tse di builweng kwa palamenteng o tlhalositse ka melao e le meraro e e fetisitsweng kwa palamenteng e leng ya bogodu jwa leruo, go oketsa dingwaga tsa pereko tsa babereki ba dikgolegelo le go boela morago tiriso ya motshine wa tlhopho. BOKHUTLO society 9 Mothobi o dira dijo tsa leruo ka letlhaka Mongwe wa Balemi ba popota kwa masimong a Masiadieme kwa Bobonong, Rre Mooketsana Mothobi o gwetlhile balemi go dira dijo tsa leruo ka masalela a thobo a tshwana letlhaka go tswa mo masimong a bone fa go sena go rojwa. Rre Mothobi o tlhaloseditse BOPA mo puisanong fa letlhaka le masalela a mangwe a thobo a ka somarelwa go dira dijo tse di jewang ke leruo ka nako ya leuba kgotsa tsa rekisediwa barui. O tlhalositse fa a kgetla letlhaka la mmidi, mabele, dinawa le manoko a di sile ka motshine a bo adi boloka mo dikgetsing. A re o omisia letlhaka le ka boitseanape gore le seka la latlhegelwa ke dikotla pele. Rre Mothobi o boletse fa a rekisetsa barui dijo tse, tse dingwe a di neele leruo la gagwe. O tlhalositse fa balemi-barui ba tshwanetse go lemoga fa malatsi ano sengwe le sengwe se le botlhokwa mo tshimong e bile se ka rekisiwa go dira madi. A re balemi ba tshwanetse go latlha mokgwa wa bogologolo o e neng e re go sena go rojwa, dikgoro tsa masimo di bulwe gore leruo le je letlhaka. Rre Mothobi a re fa a sena go sila letlhaka o le tswakanya le metswako e e oketsang dikotla mo dijong tse go tlhabolola bo leng jwa tsone. O boletse fa letlhaka le falodisitse leruo la gagwe leuba makgetho a mantsi. Rre Mothobi o boletse fa a dikile a kabakantse temo ka go lema lab lab. O boletse fa lab lab e le nngwe ya tse a di silang go dira dijo tsa leruo. A re balemi ba ba sa ruang ba ka dira madi ka go rekisetsa barui letlhaka le le tswang mo masimong. Rre Mothobi o kopile balemi- barui go tsaya temo jaaka kgwebo ka temo e le nngwe ya dikgwebo tse di bogadi bogaufi. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Serepa se epolotswe Serepa sa monna yo go bolelwang e le wa Zimbabwe se epolotswe mo nokeng ya Mahalapye kgwedi eno e le lesome le borataro. Sebui sa mapodisi a Mahalapye, Superintendent Isaac Mamadi a re mosadi mongwe yo ka mabaka a itshireletso a ka sekang a buiwa ka maina, o ne a begela mapodisi fa tsala ya gagwe e sale e emeletse mo lwapeng kgwedi e e fetileng e le masome a mabedi le bone. Superintendent Mamadi o boleletse A re basimane bao, ba dingwaga tse di lesome le boferabongwe, ba itshupile fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata kgwedi eno e le lesome le boferabobedi go arabela molato wa polao ya motho. Superintendent Mamadi a re ka serepa sa monna yoo se ne se setse se senyegile, sepodisi se ne sa dumelana le ba bongaka, dikgosi le molaodi gore moswi a bolokelwe mo mabitleng a Xhosa1 gone kwa Mahalapye. Moswi yo go sa umakiwang fa a ka tswa a na le dipampiri tsa mosepele kana tsa go berekela mo Botswana, o tlogela tsala le bana ba le babedi. Mo go tse dingwe, Rre Mamadi a re ba mo letsomong la monna mongwe yo o batlwang mabapi le polao ya motho mme ba kopa gore a ipege mo mapodising pele ga ba tsaya dikgato tse di gagametseng. Mmelaelwa yo o santseng a tsene ka lenga la seloko o batlwa mabapi le polao ya mosadi mongwe wa Palla-Road kwa masimong a Lehokole. Rre Mamadi o kopile setshaba gore fa ba na le mathata kana dipharologanyo mo botshelong ba nne ba kopa dikgakololo mo go ba masika, dikgosi, mapodisi, balaodi le ba lephata la boipelego ka jaana go bolaya le go ikgapela botshelo e se ditshwetso tsa go rarabolola mathata.BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Kgosi Moroka o a kgalema Kgosi Sello Moroka wa Lerala re ga a itumedisiwe ke bagolo bangwe ba ba tlang kwa kgotleng ya gagwe ba re ba supela bangwe mo dithotong tsa boswa ntswa ba itse fa bosupi jo ba bo ntshang e se jwa boammaaruri. Kgosi Moroka a re go le gantsi motsadi o tla kwa kgotleng go tla go supela dithoto dingwe di tshwana le sediba, tshimo kana setsha mme a supa fa dilo tseo e le tsa boswa e bile di lebagane mongwe ngwana yo o setseng a le nosi batsadi le ba a tsetsweng le bone ba tlhokafetse botlhe. Kgosi Moroka a re fa bagolo bao ba sena go fiwa mokwalo wa bosupi go felela go bonala kwa bofelong gore tse di neng di builwe pele ga se tsa boammaaruri ka ba ba tsetsweng le yo go neng go twe boswa ke jwa gagwe ba felela ba tla kwa kgotleng go ikuela. O ne a bua jalo kwa phuthegong e e neng e tshwerwe ke ba lekgotla la kabo ditsha bosheng kwa Lerala. Kgosi Moroka a re go makgetho a le mantsi bosupi bongwe jo bo neng bo isitswe kwa go ba lekgotla la kabo ditsha bo emisiwa ntateng ya gore tse di neng di builwe pele e se boammaaruri. O ne a supa fa se, e le mokgwa o o sa siamang mme go ngomola pelo gape ka o dirwa ke bagolo. O ne a ikuela mo bagolong ba ba dirang jalo go emisa mokgwa oo a bolela fa a tsere tshwetso ya gore go tsewe nako pele go tlhotlhomisa gore bosupi jo bagolo ba tlang ka jone ba supela ba masika ke boammaaruri. Fa a itebaganya le balebeledi ba lefatshe mo motseng wa Lerala, Kgosi Moroka o ne a supa fa ba sa dire tiro ka bokgabane. A re go na le dikgang di le mokawana tse di duleng mo tseleng tse balebeledi ba lefatshe ba amegang mo go tsone. society 9 Badiri kwa Ramatlabama ba eme sentle go thibela segajaja Mogolwane kwa molelwaneng wa Ramatlabama, Rre Joseph Moji, a re ba eme sentle go itebaganya le seemo sa mogare wa Corona. O tlhalositse se mo potsolotsong Mopitlo a tlhola malatsi a le lesome le borataro. Rre Moji a re ka kgakololo ya ba botsogo, badiri kwa molelwaneng ba a itshereletsa fa ba thusa batho ba ba mo mesepeleng. Le ntswa bolwetse bo setse bo utlwaletswe kwa Aferika Borwa, Rre Moji o tlhalositse fa batho ba ntse ba tsweletse ka go tlola molelwane. O supile fa mo letsatsing ba thusa batho ba feta makgolo a mabedi le botlhano go ya le go tswa kwaAferika Borwa. O kaile fa molelwane o dirisiwa ke batho ba le bantsi mme a kaya fa go simolola ka kgwedi eno e le borobabongwe go fitlhelela e le lesome le botlhano ba thusitse batho ba le 11 833 e le ba ba tsamayang le ba ba gorogang. Le fa gontse jalo a re dipalo tsa beke eno di fokotsegile fa di tshwantshanngwa le tsa beke e e fetileng. Rre Moji o akgoletse tshwaragano mo maphateng a puso, a supa fa ba bereka le lephata la botsogo, sepodisi le lephata la makgetho. O ne a rurifatsa fa ba bongaka ba tlhatlhoba botlhe ba ba tsenang mo lefatsheng go netefatsa gore gore ga bana dikai tsa bolwetse jo. Rre Moji o tlhagisitse banni ba metse e e gaufi le melelwane gore ba ikele tlhoko mme a kopa gore ba seka ba tlola mo mafelong a a seng ka fa molaong bogolo jang ka go bolwetse jo bo tshelanwa. A re fa e sale bolwetse jo bo tlhagoga, ga go ise go nne le ope yo o tlodileng kwa Ramatlabama a belaesega a na le bolwetse jo. Monni wa Pitsane, Rre Jankie Mokaleng, yo o neng a tlolela kwa Mafikeng o ne a bolela fa ene a itse ka corona mme a itshireletsa ka go tsamaya a le nosi mo koloing. A re o lemogile gore go botoka go tlola maitseboa go sena mosuke ka a utlwile gore bolwetse jo ga bo batle digongwana, a kaya fa se e le yone itshireletso ya gagwe. Rre Mokaleng o tlhalositse fa a na le masika kwa Mafikeng ka jalo a ne a latela motsadi wa gagwe yo o ntseng a le kwa lesong ka jalo go ne go mo patika go ya koo. Rre Prince Puleng, yo o neng a fetela kwa Gaborone, o tlhalositse fa a ne a patelesega go ya kwa Mafikeng ka a ne a ile go tsaya ngwana wa gagwe yo o tsenang sekolo teng. Rre Nkabana Kgaswa go tswa Molepolole yo o berekang mo dibaseng tsa setshaba tsa Mafikeng-Gaborone o kaile fa ba utlwile ka bolwetse jo mme ba leka go itshireletsa ka tsotlhe. O kaile gore ntswa bolwetse jo go lebega bo sa siama, o ngongoregela gore tlhagiso ga e utlwale thata o. O kaile fa go tshwanetse go engwa ka dinao go bua fela thata ka bolwetse jo gore batho botlhe ba itse ka jone. society 9 Mogokgo o lela ka modumo Mogokgo wa sekole se segolwane sa Letlhakane (LSSS), Rre Mathews Rakhudu o ngongoregile ka modumo o o kwa godimo o o tswang mo tikologong ya sekole seo. Rre Rakhudu o ntshitse ngongora e fa a rolela mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe matshwenyego a bone mo phuthego ya babereki ba sekole bosheng. O boletse fa modumo o o dirwa ke marekisetso a bojalwa ga mmogo le dikereke, mme a tlhalosa fa seemo se biha ka mafelo a beke. Rre Rakhudu a re ba ikuetse kwa bogoging jwa motse le ba Bye Laws mme go se kgato epe e e tserweng. O ne gape a re seemo se, se kgoreletsa dithuto tsa bana le babereki ga ba robale sentle ntateng ya modumo o. Le fa go ntse jalo, Rre Rakhudu o tlhaloseditse mopalamente gore maduo a sekole a tokafetse ka se dikile se tsere maemo a bosupa mo dikoleng tsotlhe, fa mo kgaolong ya legare se gapile a bobedi. A re le fa barutabana ba bereka ka natla go tokafatsa maduo, ba kgojwa marapo ke gore ga ba tlhatlosiwe maemo. O ne gape a tlhalosa fa ba na le tlhaelo ya dipalamo e e kwa godimo, a supa fa ba na le koloi e le nngwefela mo boemong jwa di le nne. O bile a tlhalosa fa ba na le tlhaelo ya dibuka tse di balwang mme se se berekisa barutabana bokete ka e bile go na le tlhaelo ya bodiredi ka kakaretso. A mangwe matshwenyego, Rre Rakhudu a re ke go sa duelweng sentle ga dikatso tsa barutabana fa ba berekile morago ga dinako tsa tiro. O supile fa go na le ntlo ya matlhatlaganye ya borobalo jwa bana ba basimane e na le diphaposi di fera bobedi e le ngwe e tsenya bana ba le lesome le borataro, mme ntlo e e sa dirisiwe fa e sale ka 2010 ka lebaka la phatlalatso ya metsi e a reng ba lephata la DBES ba paletswe ke go e baakanya. A re matlwana a borobalo a bana a tlhokana le dipaakanyo tse di tseneletseng, segolobogolo matlwana a boitiketso le motlakase. Mongwe wa barutabana, Mme Gosego Lenkobe o ne supa letshwenyego la go fudusiwa ga barutabana, a tlhalosa fa bangwe ba ne ba filwe dikwalo tsa gore ba fodusiwa mme morago ga fetolwa. O boletse fa seemo se se tshwenya ka jaana bangwe ba na le lebaka ba le mo kgaolong. Mme Lenkobe a re ba kopa gore phuduso e ya barutabana e nne ya lefatshe ka bophara, e seng jaaka go dirwa ba dikolosiwa mo kgaolong. O ne gape a kopa gore phuduso e dirwe ka bofelo jwa ngwaga ka gore fa ngwaga o le fa gare e kgoretsa dithuto. Modiri wa tsa motlakase, Rre Keleadile Tshokolo o ne a supa fa go na le tshwenyo e ntsi e e digwang ke bana ba sekole mo dilong tsa motlakase le metsi. Rre Lelatisitswe o solofeditse fa a tlaa isa matshwenyego a bone kwa go ba ba lebaneng, mme a ba lekodisa ka tse di builweng kwa palamenteng e e fitile. BOPA education 4 OLDM e ipelela go akarediwa ga kokelo Mogolwane wa meepo ya Orapa, Letlhakane le Damtsha (OLDM), Dr Adrian Gale o akgotse bogogi gammogo le babereki ba sepatela sa Orapa go bo ba tsweletse ka maitlamo a bone a go dira tiro ya boleng jo bo kwa godimo. Dr Gale o buile jalo kwa moletlong wa go ipelela go akarediwa ga sepatela sa Orapa mo lekgotleng la Council For Health Services Of Southern Africa, COHSASA kwa Orapa bosheng, a tlhalosa fa maiteko a bone a supiwa ke ka fa ba tsweletseng ka go ntsha maduo a a kwa godimo ka teng fa e sale ba simolotse lenaneo le. O tsweletse a re maitlamo a meepo ya OLDM ke one a dirang gore ba tswelele ba tsabakela e bile e nne sekai mo go ba bangwe, ba bereka ba le seopo sele sengwe, ba tshepagala mo balwetseng gammogo le mo badiring ka bone. A re maitlamo a bone a ka ba thusa mo go tlhabololeng tiro ya bone. O tsweletse a tlhalosa gore COHSASA e supa gore sepatela sa moepo wa Orapa se tla tswelela sele kwa godimo ka jalo o eleletsa babereki ba sepatela seo go tsweledisa bonatla jwa bone le mo dingwageng tse di latelang. Dr Gale a re ba tsene lantlha mo lenaneong la COHSASA ka 2000 mme ba sala morago tse di tlhokegang ka jalo ba kgona go dira botokanyana. A re mo ditshekatshekong tsa ngwaga ono ba tsere 99% fa mo ditirelong tsotlhe gone ba bone 88%, selo se se dirang gore sepatela sa Orapa se tswelele mo lenaneong ngwaga tse tharo. A re sepatela sa moepo wa Orapa se dira ka natla e bile se ntsha ditirelo tsa maemo a a kwa godimo ka lebaka la boeteledipele jwa tlhwatlhwa selo se a reng se supa kgatelo pele mo maitlamong a bone a ‘Orapa Gompieno Boteti Kamoso’ le go dira Orapa lefelo la maemo a a kwa godimo go nna le go berekela teng. Mogolwane wa COHSASA, Mme Jacqueline Mary Stewart a re lekgotla la bone ga le dire dipoelo mme ke lengwe la makalana a masome a mabedi le bosupa a a itebagantseng le botsogo mo lefatsheng ka bophara. Mme Stewart a re ba ipelafatsa ka tiro ya bone kwa COHSASA bogolo jang fa ba bona babereki ba sepatela ba le moono mongwe fela mo go diragatseng lenaneo la COHSASA jaaka ba sepatela sa moepo wa Orapa ba dirile. Mogolwane wa sepatela sa moepo wa Orapa, Dr Hans Van Zyl a re ba amogetswe mo lenaneong la COHSASA ngwaga ono morago ga maiteko a magolo le go bereka ka natla mo ngwageng tse tharo ba somaretse sesupo sa COHSASA. Dr Van Zyl a re lenaneo la COHSASA le ba rotloetsa go fa ba-na-le-seabe le setshaba ka kakaretso ditirelo tsa maemo a a kwa godimo a a dirwang ke sepatela sa bone go akaretsa pabalesego le tlhokomelo ya balwetse. O akgoletse babereki ba sepatela sa moepo wa Orapa maiteko a bone a go netefatsa gore toro ya bone e a atlega ,a ba a ba kgothatsa go tswelela pele ka go dira bontle mo tirong. BOKHUTLO health 6 Tsamaya ka pula Tautona Khama - Palapye E rile e tsena tshetlha ya dikgwa ya ga Mmangwato ga re ruuuu! Megolokwane ya lelela boatleng ka bomme ba mateisi a matala le dikojwana tse ditshweu, e le semphete ke go fete fa a gata mo kgotleng ya Palapye morwa Khama. E rile ba santse ba hakgametse bangwe ba sebaseba ba re, yo o tlang yoo ke mmoloki, mongwe a re ga se mmoloki ke mofenyi, bangwe ba re ke montsamaisa bosigo, ka a tsisitse tumelo, lerato le tsholofelo mo go rona bo esengmang. E ne e le nnakgolo ya ga Mmangwato e ntse fa gare ga kgotla ya Palapye, e ngunanguna e re yo o gorogang yo ke morwa Khama ka sebelebele, kotla masiela kotla dirojane, le rona bo esengmang re setse re tshwana le batho, fa maru a emelela ga re sa tlhole re tsenya mofalatsamaru mo isong kana re kanamisa dilepe gore pula e seka ya na. Monnamogolo a palelwa ke go itshwara a re nna khutsanyana ya mogolo kana ke tlhokelang diteme nkabo ka tsone ke go tsatsanka, a gadima balekane ba gagwe, ya re ba mo leba ba re ‘heela monna Ofentse Nzwaligwa o re itsa go bona Tautona, kokobela o nne ’fatshe’. Ka isa tsebe go utlwa gore a reng. Rre Nzwaligwa a re, ‘kana ke mongwe wa batho ba ba ka pakang ka mananeo a ga Tautona ka mo malatsing ano ke na le fa ke latsang tlhogo teng, morago ga gore e tshetlha yoora Khama e kuwe mokgosi e re badira le matlho nkgogang, ke nyelellwa ke tshaba,. A re ya re go rialo dikompone le batho ka bongwe ka bongwe ba utlwa mokgosi, ba ema ka dinao go tsenya letsogo, ka gore Motswana a re ‘fifing go tshwaranwa ka dikobo’. Rre Nzwaligwa ke mongwe wa ba ba nnileng lesegola go agelwa ntlo ka lenaneo la ga Tautona. Fa a bua mo potsolosong o ne a ipelafatsa ka Tautona ka jaana a tshuba ka lekotswana, metsi a aga a ntse ka marago, le yone ntlwana a sa tswele kwa ntle. Ga iphesa Rre Gabaipone Ramogapi a re ‘le rona re lemogile ditiro tsa gagwe tse a di supileng ka go tlotla bagolo, ngwana yo wa ga Khama, o bolokile setshaba seno, ba-na-le bogole, ba-tlhoka pono le batlhoki rotlhe re na le ditshwanelo le seriti se a se re neetseng ka bonno. Rre Mosimanegape Tapiso o ne a re, ‘pelo tshwaana boela mannong mmatla sa gagwe o se bone’. Boitumelo ya bo e le jo bogolo a re letsatsi le ga ba bolo go le letela, a re fa e ne e le ka ene Tautona o kabo a okelediwa malatsi ka a santse a ikutlwa. A emelela Tautona Khama a isa malebo. A re lefatshe leno le agetswe mo kagisong le tsamaisiwa ka melao e e lolameng ya kgololesego le tshireletso ya setshaba. A re puso e diragatsa molao go sireletsa ditshwanelo jaaka molao wa polao o re fa motho a bolaya yo mongwe le rona re a mmolaya. O ne a galaletsa Batswana a re fela jaaka ba ne ba mo eme nokeng ba dire jalo le mo go Rre Mokgweetsi Masisi gore le ene a tle a kgone go dira tiro ya gagwe ka bokgabane. society 9 Bophokoje ba jesetsa barui mo kgobedung Barui ba moraka wa Kgonama mo kgaolong ya Ghanzi ba supile fa ba tshwenngwa ke bophokoje ka ba aja dipodi tsa bone. Barui ba tlhalositse se mo thuto-puisanyong e e neng e tshwerwe ke ba mokgatlho wa Cheetah Conservation Botswana bosheng. Barui ba tlhalositse fa mo dibataneng tse di mo morakeng oo, tse di akaretsang matotse, thwane le tse dingwe, phokoje e le ene fela yo o sa ba jeseng diwelang. Mongwe wa barui ba Kgonama, Rre Charles Makwesa o tlhalositse fa dipodi tsa gagwe di nna fela di jelwa dipotsane ke bophokoje. O ne a supa fa ba sa kgone go laola bophokoje ka jaana ba sena dintsa. Rre Boammaaruri Bammake go tswa lephateng la diphologolo o ne a rotloetsa barui go tswa ka mananeo a a amogelesegang go laola bophokoje. O ne a tlhagisa barui fa tiriso ya chefi le selaga e se ka fa molaong ka puso e lemogile gore di bolaya gotlhe le diphologolo tse di sa amegeng. Rre Bammake o ne a tlhalosetsa barui fa go disa e le one mothale o o siameng go ka laola tshenyo e e dirwang ke bophokoje. O rotloeditse barui go ikuela kwa lephatleng la diphologolo. E rile a ba kgwa dikgaba, Rre Mbinda Balekanye go tswa Cheetah Conservation Botswana o ne a ba rolela mananeo a ba nang le one, gore ba a dirise go laola tshenyo ya bophokoje. O ne a tlhalosetsa barui fa ba na le lenaneo la dintsa tse di katiseditsweng go disa. O rotloeditse barui go tsenya kopo kwa Cheetah Conservation Botswana gore ba fiwe dintsa, a supa fa dintsa tseo ba sa di rekise. Rre Balekanye o ne a rotloetsa barui go tshwaragana ka setshwarwa ke ntsa pedi se se thata. Barui ba ne ba amogela lenaneo la dintsa ka boitumelo ka ba dumela le tlaa ba solegela molemo. BOKHUTLO society 9 Barui ba rutuntshiwa ka lenaneo la dihutshane Batswana ba rotloeditswe go dirisa mananeo a nyeletso lehuma go tlhabolola matshelo a bone. Thotloetso e, e ne e fiwa banni ba ba abetsweng dihutshane ba metsana ya Moreomabele, Topisi, Maunatlala, Matlhakola, Moletemane le Malaka mo thuto puisanong kwa Palapye bosheng. Mookamedi wa dihutshane mo lenaneong la nyeletso lehuma, Rre David Serumola o tlhalositse fa go nna le dihutshane e le tshwetso e ntle thata. A re ba lemogile fa lefatshe leno le aparetswe ke letlhoko la nama ya kgomo ntateng ya leuba. O tsweletse ka gore dihutshane di palo potlana thata go na le dikgomo mo lefatsheng leno, ka jalo go le botlhokwa go di rua. O gakolotse gape gore dihutshane di kgona go tsenya madi aa botoka. Rre Serumola o tlhalositse gape gore puso e mo tsheka tshekong ya go aga matlhabelo a dipodi kwa Maun, ka jalo go rekisa dipodi go tlaa nna motlhofo. Ba tsena dipuisano tse ba ne ba rutwa ka mefuta le tlhokomelo ya dihutshane, malwetse a a farologaneng a tsone, thibelo malwetse, kalafi le melemo ya tsone. Ba ne ba gakololwa gore ipapatso ke selo sa botlhokwa fa ba batla go dira letseno go itshetsa ka leruo, ka jalo ba kopilwe go isa leruo la bone kwa ditshupong le go dirisa ditsela tse dingwe tsa ipapatso jaaka mafaratlhatlha a maranyane a segompieno. Banni ba ne ba leboga thata go bo puso e bone go tshwanela go simolodisa lenaneo la nyeletso lehuma, ba re le mosola e bile le tlaa fetola matshelo a bone. Ba tsweletse ka go lebogela dithuto puisano ba kaya fa ba ithutile go le gontsi ka dihutshane mme ba tlaa dira ka natla go ntsha maduo a a solofetsweng mo go bone morago ga thutuntsho e. economy_business_and_finance 3 Tiragatso molawana e a simolola Khansele-potlana ya Molepolole/Lentsweletau ya re e tlaa simolola go diragatsa molawana wa go phutha leruo le le senang tlhokomelo le saila mo gare ga Molepolole Ngwanatsele a le fa gare. E rile a tlhalosa maikaelelo a phuthego ya boeteledipele jwa morafe le balemi-barui bosheng mo Molepolole, mokwaledi wa kgoaolo-potlana ya Molepolole/Lentsweletau Rre Gofaone Kgabanyane a supa fa ba diegetse go diragatsa molawana o ka maikaelelo a go tlhomamisa morero go botlhe ba ba amegang. A re diphetogo tseo maikaelelo a tsone ke go itebaganya le matshwenyego a morafe go lwantsha leruo le jaanong le fetotseng tebego le seemo sa motse ka gona mafudiso le madisetso. A re ba lekodisa bogogi go thusanya le khansele go lwantsaha seemo seo gore barui ba tsee boikarabelo jwa go tlhokomela leruo go hema bogale jo bo tlang. Dikatlholo tsa molawana o di ya go simolola mo go P150 ka letsatsi go duelela tlhogo ya seruiwa se se mo diatleng tsa khansele, e re fa go nnile le tiego ya go itshupa ga morui go dirwe kanamiso ka leruo le le tshegeditweng pele ga le ka rekisiwa ka palabalo. Dikotlhao tse dingwe go kaiwa e tlaa nna tsa ba ba kgoreletsang maiteko a go diragadiwa ga molawana, tse e tlaa nnang P5 000 kgotsa dingwaga tse pedi tsa kgolegelo, kgotsa tsotlhe go lebilwe bokete jwa molato. Thulaganyo ya go fetolwa ga molawana oo, e ne ya lekodisiwa morafe mo tshimologong ya ngwaga ono ka diphuthego tsa kgotla di buisiwa ke modulasetilo wa Molepolole/Lentsweletau, Rre Botokanyana Motoroko. Mogolwane wa ditogamaano tsa khansele potlana ya Molepolole, Rre Kagiso Tiro a re go a tshwenya gore barui ba bo ba itlhokomolosa tsamaiso ka go fetola metse ya magae meraka kgathanong le thulaganyo ya go kgaoganngwa ga tiriso ya lefatshe. Rre tiro a re lefatshe le kgaogantswe ka tiriso go hema go gotlhagotlhana ga tsamaiso, mme a supa gore fela jaaka metse ya selegae e sa tshwanela go ruela, mafelo la temo le bonno jwa seemo se se rileng ga a a tshwanela go bonwa mo lefatsheng la temo go hema go runya ga metsana e e sa tlhomamisiwang. O tsweletse ka go tlhagisa ba ba fetolang tiriso ya lefatshe ba sa sala tsamaiso morago go itse fa letsogo la molao le tlaa ba ama, mme a tswelela ka go gakolola gore diphetogo tse di dirwang ka tiriso ya lefatshe di dirwe ka go sala tsamaiso morago. Mogolwane wa tsa dipalamo mo Mokwena, Rre Andrew Paledi, ene o gateletse gore badirisi ba tsela ba tsee boikarabelo jwa tlhokomelo ya leruo go hema dikotsi tsa dikgomo mo ditseleng tse ditona ka jaana go ka ama seemo sa itsholelo ya malwapa ka ntlha ya go thulwa ga dikgomo ke dikoloi. Rre Richard Mantu wa lekalana la sepodisi le le itebagantseng le go lwantsha seemo sa bogodu jwa leruo mo kgalong eno, a re kgolo ya bogodu mo Mokwena ga e ba robatse e bile e tsweletse ka go gola ka jaana e rotloediwa ke bo radibuthara bagngwe ka go reka dinama tsa bogodu. Rre Mantu o gakolotse morafe go tswa ka methale ya go kgoreletsa maiteko a go utswiwa ga leruo le go upolola ba ba inaakantseng le masula ao. Barui le fa go ntse jalo ba ngogoregetse go fetolwa ga molawana oo gore go dirilwe ka maikaelelo a go ba utlwisa botlhoko ka go ikgatholosa ntlha ya gore motse o goletse kwa masimong go kgoreletsa metsamao ya leruo. Mo mafokong a tebogo, Kgosi Mothuseng Matlhwanye wa kgotla ya Suping o kopile morafe go amogela diphetogo tseo, ka go supa gore go le gantsi fa dikgang tsa ditlhabololo ga di ke di amogelwa ntle le bothata, mme bomolemo jwa tsone bo lemosega go tsweletswe. ENDS economy_business_and_finance 3 Kokelo ya Orapa e abela baithuti Babereki ba kokelo ya Orapa ba abetse baithuti ba ba nnang kwa hoseteleng ya Khwee didirisiwa tse di tlhapang, melora e e tlhatswang, e e phepafatsang le dikausu tsa sekole. E rile fa a tlhalosa ka kabo dimpho e, motlhokomedi wa kokelo ya Orapa Mme Veronica Mokgosi, a re ba ne ba dira se go tsibogela mokgosi wa ga Tautona wa gore setshaba se thuse ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Mme Mokgosi a re ba dirile se ka go kokoanya madi mme ba tlhopha go thusa bana ba ba nnang mo hoseteleng ya Khwee, ka ba lemoga gore le fa puso e ba tlhokomela, ga go a lekana. E ne ya re a lebogela dimpho tse, mogolwane wa boipelego Rre Ketumile Motlhagodi, a supa fa khansele e tlhokomela bana ba ba nnang mo hoseteleng ka go ba rekela paka ya sekole, diaparo tsa motse, melora le ka sepalamo. A re hosetele ya Khwee e na le bana ba le lekgolo le lesome le bosupa. Rre Motlhagodi a re bana ba ba nnang kwa Khwee, ke ba ba tswang kwa merakeng e e mo tikologong ya motse oo. Ka jalo ba ba phuthela mo go yone gore ba ba tlhokomelele teng ba tsene sekole ka gape batsadi ba bone ba sena bokgoni. Rre Motlhagodi a re ba ba tlhokomela go fitlhelela ba fetsa kwa dikoleng tse dikgolwane ba ba thusa ka sengwe le sengwe se motho a se tlhokang, a tlhalosa gore ba a leka ga ba kgone fa gongwe ka lebaka la tlhaelo ya madi. Ka jalo ba buletse gore ba ba nnang le bokgoni ba ba thuse. Rre Motlhagodi o ne a rotloetsa bana go amogela dimpho tse ka lorato, a bo a ba kgothatsa gore ba tseye thuto ya bone ka tlhwaafalo le gore ba eletse go nna le bokamoso jo bo lolameng. Mothusa kgosi wa Khwee, Rre Gabarutwe Boloka, a re bana ba hosetele ya Khwee ba tlhokomelwa sentle thata e bile ga ba sa tlhole ba ngwega jaaka pele. A re le fa go ntse jalo ga gona dipone mo matlong a bone a boroko. E rile a lebogela dimpho, mokhanselara wa kgaolwana ya Khwee, Rre Keetile Gobotswang a lebogela lerato le kutlwelobotlhoko e ba sepatela sa Orapa ba e supileng ka go abela bana ba ba hosetele dimpho,a re se se supa gore ba tshegeditse lengwe la matshego a tebelopele ya lefatshe leno la tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala ka ba bangwe. Rre Gobotswang a re go sego letsogo le le abang, a tswelela ka gore dimpho tse di tsisitse boitumelo mo baneng e bile di ya go dira pharologanyo e ntsi mo matshelong a bone. BOKHUTLO health 6 Banni ba tlhagisiwa ka dikotsi Mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraela Goya, o tlhagisitse balemi ba masimo a Dikabeya gaufi le Palapye gore ba ikele tlhoko mo dikotsing tsa dikoloi, bogolo jang fa ba kgabaganya tsela e tona ya A1. O buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa masimong ao bosheng. A re ba nne kelotlhoko fa ba kgabaganya tsela ka gore dikoloi tsa tsela ya A1 di taboga ka lebelo le le feteletseng. O ba rotloeditse gore monongwaga ba ye go lema dijo tse dintsi, tse ba ka kgonang go jesa motse wa Palapye le tikologo, mme ba ka kgona go dira jalo fa ba ka lema ka ditselana fela botlhe. Le fa go ntse jalo, Rre Goya o tsweletse a ba itsise gore monongwaga puso ga e na go kwadisa terekere epe e e sa lemeng ka ditselana. O ne a ba kgothatsa a re ba inaakanye le lenaneo la go dira terata e e tlhakanetsweng gore puso e tle e ba thuse ka ditsompelo tsa go gokela sediba se ba ka nwang mo go sone le gore ba ikhutse go senyediwa ke diruiwa le diphologolo mo masimong a bone. A re nngwe ya dikgang tse di builweng kwa palamenteng ke gore molao wa makgotla a Setswana o tlhabolotswe, go tlaa nna le wa dikgotla tse ditona le wa tse dinnyenyane a bolela fa dikatlholo tsa ditsheko tsa tsone di tlaa farologana go ya ka bogolo jwa tsone. O tsweletse ka gore go okeditswe dikatlholo tsa badira molato wa go dirisa ditlhapa a re katlholo eo e simolola ka makgolo a matlhano a dipula go ya kwa godimo. Balemi ba ne ba ikuela mo go mopalamente fa ba sa jesiwe diwelang ke bogodu jwa leruo kwa kgaolong ya bone. Mopalamente o ne a kopa balemi go bega dikgetse tsa bogodu gore go tsewe dikgato. Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Thuto ke konokono Tona wa Itshireletso, Molao le Thokgamo, Rre Dikgakgamatso Seretse a re thuto ke mmangmang. Fa a bua kwa letsatsing la go rola motlobo wa dibuka o o abilweng ke ba Botswana Insurance Holdings Limited (BIHL) trust ba golagane le ba Sebilo Book Services ba abela sekole se sebotlana sa Chakaloba kwa Topisi ka Labotlhano, Rre Seretse o boletse fa thuto e aga setshaba go itse molemo le bosula. A re batsadi ba tshwanelwa ke go lemotsha bana ba bone botlhokwa jwa thuto le gore ke khumo e go senang yo o ka ba e amogang. Rre Seretse a re sekole sa Chakaloba se tshwanetse se ipone se le sego go bo se nnile nngwe ya tse di rotloeditsweng morago ga ikuelo ya puso ya go kopa thotloetso ya dikole mo dikomponeng tse di ikemetseng ka nosi. A re motlobo oo wa dibuka o tla a nna le seabe mo thutong ya bana ka ba tla a itlhatlhelela dikitso tse di farologaneng. O ne a kopa bogogi jwa sekole seo go tshwara ka natla mo go fetoleng maduo a sekole seo se go bolelwang fa maduo a sone a lekwalo lwa bosupa a bana ba ngwaga o o fetileng a ne a le kwa tlase. O ne a supa matshwenyego a gore batsadi bangwe ba ikgatholositse thuto ya bana ba bone ntswa e le bone ba tshwanetseng go bontsha bana tsela. Moemedi wa ba BIHL Rre Bakwena Oitsile o ne a bolela fa ba abetse sekole seo mpho ya motlobo wa dibuka ka tsholofelo ya gore e tla a thusa barutabana mo maitekong a bone a go tsholetsa maduo a sone. A re ga se lantlha ba aba ka ba abile dilwana tse di farologaneng di tshwana le go duelela baithuti ba ba ikoketsang kwa mmadikolo le go duelela bana ba ba tlhokang mme ba tlhoafaletse dithuto kwa sekoleng sa Maruapula. Rre Oitsile a re sekole sa Chakaloba ke nngwe ya dikole tse di lesome tse ba di abetseng motlobo wa dibuka mo ngwageng ono Mogokgo wa sekole sa Chakaloba Mme Nkomeng Bolaane o ne a lebogela motlobo oo wa dibuka a bolela fa o tla a ba thusa bana mo dithutong tsa bone. O ne a leboga batsadi ba bana ba sekole seo go nna ba tsibogela dipitso tsa bogogi jwa sekole. BOKHUTLO education 4 Lore lo ojwa lo sale metsi Batsadi ba gakolotswe go ruta bana ba bone maitseo a a eletsegang le go ba kgalemela fa ba dule mo tseleng. Go buile jalo mogolwane wa mophato wa baithuti ba ba botlana (HOD- infant) wa sekole se sebotlana sa Masokola, Mme Mmopi Gasemotho kwa moletlong wa kaloso ya baithuti ba sekole sa bananyana sa Prince and Princess Pre-School kwa Serowe bosheng. Mme Gasemotho o tlhalositse fa ngwana a tshwara ka pela fa a santse a le monnye, ka jalo o gakolotse batsadi go ba ruta tse tsotlhe tse di botlhokwa tse ba tshwanentseng go di itse gore ba di tshware go sale gale. O gakolotse batsadi go tlhopha mafoko fa ba bua fa pele ga bana kana fa ba bua le bone. “Fa o ruta ngwana o ruta setshaba, ke bone baeteledipele ba kamoso”, ga gatelela Mme Gasemotho. Mme Gasemotho o ne a gakolola batsadi le barutabana go pataganela thuto ya bana, mme a re se se ka nna motlhofo fela fa go ka nna le therisano, kamogano megopolo le tirisano mmogo magareng ga bone ka dinako tsotlhe. O kopile batsadi go tshwara bana ba bone ka lerato, a tlhalosa fa go dira jalo go tiisa ngwana mogopolo go bo go mo nonotshe le mo tlhaloganyong. Mme Gasemotho o ne a kopa barutabana go emisa go kgoba bana ka dipuo, a kaya fa go tlhoka lerato le go kgokgontsha bana ka dipuo e le dingwe tsa dilo tse di itsang bana go tsena sekole sentle. O gakolotse batsadi go fa bana ba bone lerato a re ba nne le seelo sa gore mo setshwantshong sa motshikhinyego ba lebelela ditlhulaganyo tsa mofuta ofe, a tlhalosa fa bana ba malatsi ano ba tlhalefa ka pela mme ba tloge ba kope mengwe mekgwa fa ba ka tlogelwa ba lebelela dithulaganyo tse di ba fetileng kana tse di sa nnang sentle. Mme Gasemotho o kopile batsadi go rekela bana dilo tse ba tshamekang ka tsone tse di rutang, a re di ka fefosa go ithuta ga bone ka ba tlaa bo ba ithuta sengwe mo go tsone. Mogolwane wa sekole seo, Mme Goabamang Letlhare o gakolotse batsadi go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana. A re o lemogile gore bangwe ba batsadi ba maoto a tshupa fa go tla ka ko diphuthegong, mme a re se se baya sekolo ka fa mosing bogolo jang fa go tla ka ko ditlhabogolong ka jaana ba bangwe ba sa tsenya letsogo go sena tshwaragano. Mme Letlhare o tsweletse a tlhalosa fa ba itlamile go tokafatsa dielo tsa sekolo sa bone gore ba itepatepanye le seelo sa thuto se eleng mo go sone gompieno. education 4 Ba Gamodubu ga ba na go akola dithuso Balemi ba motsana wa Gamodubu ba re ga ba na go akola dithuso tse puso e di ntshitseng tsa go lema ka ditselana e le ntlha nngwe ya go lwantsha leuba le le aparetseng lefatshe leno kobo ka letshoba. Ba re ga gona diterekere mo kgaolong ya bone. Beng ba diterekere ba ba leng teng ga bana dipolantere. Ba tlhalositse gore lemmenyana le ba ka bong ba le bona fa ba sena go rekisa dipodi gore ba kgone go reka digogi, le lone ga le kitla le nna teng ka gore dipodi tsa bone di feditswe ke dintsa tse di nnang ko sekiting sa matlakala. Mo godimo, ga moo, ba supile fa go lema ka go kabela le gone go le dingalo ebile go le bonya. Se se builwe kwa phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke mopalamente wa kgaolo, Rre Daniel Kwelagobe kwa Gamodubu. Fa ba mo fa megopolo e a ka e isang ko palamenteng, banni ba motse oo, ba boleletse mopalamente wa gore ere go buiwa ka kgang ya lefatshe, ba kopa gore kabo ya lone e dirwe ka keltlhoko go itsa go ikgagapelela le go tima ba bangwe ditsha. Ba boile gape ba kopa gore ba sekasekelwe gore puso e ka dira eng mo motseng wa bone se se ka tsenyang letseno la madi ka ntlha ya gore Gamodubu ke motse o o thibelelang mme banni ba ikaegile thata ka Ipelegeng fela. E ne yare fa a bua, Rre Kwelagobe a tsibosa banni ba motse ka mananeo a puso e a dirileng a go lwantsha leuba, mme a kopa banni ba motse oo go tlhagafalela go itse ka mananeo le gone go a dirisa jaaka lenaneo la temo thuo la ISPAAD le le seka sekilweng. Rre kwelagobe o tlhalositse fa puso e senkile madi a a ka tshwarang didikadike tse di makgolo mabedi le botlhano go lwantsha leuba. Nngwe ya dithulaganyo tse puso e di dirileng ke gore baithuti ba tlaa ja gabedi kwa sekoleng. O tsweletse ka gore mafelo mangwe goromente o tlaa thusa ka go oketsa palo ya batho ba ba berekang mo Ipelegeng. Gape barui ba tla fokolediwa ditlhwatlhwa tsa go reka dijo tsa dikgomo ka masome a mararo le botlhano mo lekgolong (35%) fa mo mafelong a a sa amiwang ke leuba thata ba tla fokolediwa ditlhwatlhwa ka masome a mabedi le botlhano mo lekgolong . BOKHUTLO society 9 Banana ba kgotlhadiwa go ikgapha Maloko a mokgatlho wa Vision Suport Group o itebagantseng le go ruta batho ka kanamo ya mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS mo kgaolong potlana ya Mahalapye, ba kgothaditswe go ikgapha mo ditirong tse di ka ba gogelang mo tlhaelong jaaka dino le tlhakanelo dikobo e e sa sireletsegang. Kgotlhatso e, e dirilwe ke kgosana ya motsana wa Setsile Rre Senau Ramaribana kwa letsatsing le mo go lone banana ba mokgatlho wa Vision Suport Group ba neng ba abela Rre Rabasimane Montshiwa yo eleng motlhoka pono dimpho tse di akaretsang Setilo, dijo, thobane gammogo le madi. Kgosi Ramaribana o rile ere ntswa mmuso o ntshitse ga tshwene ka go simolodisa mananeo a banana ba ka a dirisang go itshetsa le go itlhamela mebereko, o swabisiwa ke go bona banana ka bontsi ba inaakantse le dino tagi le go ganelela mo ditirong tsa lenaneo la Ipelegeng ntswa lenaneo leo le diretswe bagodi. O kopile banana bao, ba ba eteletsweng pele ke Rre Rampoo go ngokela banana jaaka bone mo mokgatlhong oo, gore ba kgone go abelana maele a ba ka a dirisang go tlhabolola matshelo a bone boemong jwa go inaakanya le ditiro tse di makgasa jaaka gonwa majalwa, tlhakanelo dikobo e sa sireletsegang le go ima ba sale bannye ka seo se ka ba bakela malwetse a tlhakanelo dikobo jaaka mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS. Kgosi Ramaribana o tsweletse ka go tlhalosetsa batho ba ba neng ba tsene moletlo oo, gore ere ka banana ele bone bokamoso jwa lefatshe leno ke sone se mmuso o tsweletseng ka go simolodisa mananeo a banana ba ka a dirisang go simolola dikgwebo tse di ka tokafatsang matshelo a bone e bile a bolela fa mmuso o dirisa madi madi go tsenya bana ba Batswana sekole mahala. E ne e rile gole pele moeteledipele wa moklgatlho oo Rre Rampoo a bolela fa maikaelelo wa mokgatlho wa bone ele go ruta batho ka bodiphatsa jwa mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS gammogo le go thusa bana le bogole ka go ba phepafaletse malwapa, go ba tlhatswetsa diaparo le go ba thusa ka tse ba ka tswang ba tlhokana le tsone mo botshelong. A re ele banana ba lefatshe leno ba tshwanetse go ema ka dinao go thusana le mmuso go lwela ditshwanelo tsa bana le bogole ka jaana bangwe ba bone ba santse ba bewa kwa mahuri mo a reng go ba rontsha tshwanelo ya go akola mananeo a puso e bile a bolela fa bangwe ba bone ba rontshiwa go akgela mo diphuthegong tsa dikgotla ka go tsewa ba sena boleng. education 4 Ba ba amegileng ba thusitswe Malwapa a le mane a a amilweng ke pula ya matlakadibe e e neng ya re ka Matlhatso ya ralala Boatlaname mo kgaolong ya Kweneng a amogetse dithuso tsa potlako go tswa kwa komiting ya kgaolo ya dibetso tsa tlholego. Go ya ka mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Molepolole/Lentsweletau, Mme Nametso Tatedi, malwapa a a thusitsweng a mararo e bile a amogetse ditante tse tharo fa le lengwe le abetswe dijo. Mothusa molaodi a re e re ntswa tshekatsheko ya ba boipelego e supile fa go amegile malwapa a le masome mabedi le bobedi, a mangwe a one a ne a kile a thusiwa mo nakong e e fetileng. Mothusa molaodi a re ba tsweletse ka go loga maanao go betla thulaganyo ya go fudusa batho ba mangwe a malwapa ao go hema go amega gangwe le gape mo ba go itemogetseng ka dinako tsa dipula. E ne e rile go le pele Mme Kekgathale Dimapo yo e leng mongwe wa ba ba amegileng thata a tlhalosa fa a aperwe ke bohutsana jo bo bakilweng ke tshenyo e e feteletseng ya go rutlolola ntlo ya gagwe le go nyeletsa gotlhe mo a neng a na le gone jaaka dithoto tsa ntlo, diaparo le dijo. Mme Boikhutso Gadibalwe, e ne a re toro ya go amogela ntlo e a e agetsweng ka SHHA e ne ya phirima fa phefo e e sugakanya borulelo jwa yone. A re seemo seo se mo amile fela thata ka jaana a ne a na le tsholofelo ya go tshela ka seriti sa bonno jwa segompieno. Motlhala wa tshenyo o ne wa kgoreletsa dithuto kwa sekoleng se sebotlana sa Boatlaname dioura di ka nna tharo pele botsamaisi bo thulanya ditlhogo go betla tharabololo ya go busetsa dilo mannong. Go amega ga dithuto kwa sekoleng go bakilwe ke go rutlomologa ga bontlha bongwe jwa matlwana a borutelo a le mabedi le matlo a boroko jwa barutabana a le mararo. E re ntswa tshenyo kwa sekoleng e ne e sa lebege e le maswe, mogokgo, Mme Patricia Mogapi o supile fa go koloba ga marulelo go befisitse seemo ka leswe la bommamanthwane ba ba tsalelang mo marulelong. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 FNBB e rwesa baithuti ditlhako First National Bank Botswana Foundation, e abetse baithuti ba sekole se sebotlana sa Struizendam kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa ditlhako tsa sekole. Mogokgo wa sekole seo, Mme Dyzene Mannathoko o tlhaloseditse BOPA fa sekole sa gagwe se ne sa latswiwa ke tlhware morago ga gore ba FNBB ba bone go le botlhokwa go abela baithuti ditlhako. Mme Mannathoko a re bana ba sekole seo ba ba abetsweng ditlhako ba le lekgolo le masome a supa le botlhano go simologa ka baithuti ba ba rutuntshiwang go simolola sekole (reception class) go fitlha ka mophato wa bosupa. Mme Mannathoko o ne a popotha legetla ba FNBB a kaya fa ba dirile tiro e ntle ya mowa wa kutlwelo botlhoko le lorato thata ka nako e e tshwanetseng ka e bile go le paka ya mariga a a boletseng fa e le bogale thata mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa. O kaile fa sephatlo sa bana mo sekoleng seo ba ne ba sena ditlhako gotlhelele selo se a reng se tlaa tiisa bana ba sekole seo moko le go feta go tla sekoleng e bile ba na le seriti. Mme Mannathoko o ne a sa kgale mathe go leboga ba FNBB a kaya fa motse wa Struinzendam o le kgakala le ditlamelo ka jalo batsadi bangwe ba sa kgone go rekela bana ba bone kapari ya sekole ka mabaka a botlhoki. O supile fa sekole seo se na le matlapa a mantsi ka jalo bana ba ne ba felela ba gobatswa ke matlapa ao ka ba ne ba tsamaya ka dinao ba sa rwala ditlhako. Mo mafokong a gagwe a kabo dimpho tseo, moeteledipele wa banka ya FNB kwa Jwaneng, Rre Stephen Goitsemang o ne a kaya fa FNBB Foundation e simologile ka ngwaga wa 2001 e maikaelelo a yone e le go thusa setshaba bogolo jang bana ba dikhutsana le ba ba tlhokang mo lefatsheng leno ka e le bone baeteledipele ba lefatshe leno ba ka moso. Rre Goitsemang o ne a supa fa ngogola ba abetse bana ditlhako di le 3 500 go ralala lefatshe leno, a kaya fa ngwaga ono dipara tsa ditlhako tse ba di abileng di le 3 724 go balelwa le bana ba sekole sa Struizendam. A re banka ya FNB e beela kwa thoko selekanyo sa 1 per cent ya dipoelo tsa yone tsa ngwaga le ngwaga go kokoanya madi ao aa thusang setshaba, a supa fa go simologa ka ngwaga wa 2001 FNBB e setse e dirisitse madi a a fetang P40 million mo ditirong tsa bopelotlhomogi. O kaile fa ba FNBB ba ntshitse dimpho tseo ka maikaelelo le ka nako e e tshwanetseng gore bana ba sekole seo ba tle ba kgone go itshireletsa mo pakeng e ya mariga ka batsadi bangwe ba sa kgone go rekela bana ba bone ditlhako botlhe. Rre Goitsemang o ne a kgothatsa batsadi ba motse oo go emela dithuto tsa bana ba bone ka dinao ka go ba rotloetsa go tlhwaafalela dithuto tsa bone ka e le bone babusi ba lefatshe leno ba ka moso ba ba ka le isang kwa pele. BOKHUTLO education 4 Boitshwaro jwa baithuti ga bo itumedise Bogogi jwa dikole tsa motse wa Lerala jwa re ga bo itumedisiwe ke boitshwaro jwa bana ba ba tsenang mo dikoleng kwa motseng oo. Fa ba bua kwa phuthegong e e neng e tshwerwe go rerisanya le bogogi jwa motse ka tse di amang thuto bosheng, ba boletse fa bana ba sekole ba setse ba dule mo taolong gotlhelele ka jalo ba bone go tshwanela go tshwaraganela se le bogogi jwa motse. Morutabana yo o itebagantseng le go betla boitshwaro jo bontle mo baneng kwa sekoleng se segolwane sa Lerala, Rre Jimmy Rampape o boletse fa mo sekoleng sa gagwe go setse go dule bana ba sekole ba le masome a mabedi fa e sale ngwaga ono o simologa. A re mo baneng bao, go na le bana ba basetsana ba ferabobedi ba ba duleng mo sekoleng ntateng ya boimana fa ba le lesome le bobedi ba dule mo sekoleng go sena mabaka ape. A re bana ba ba duleng mo sekoleng ntateng ya boimana ba akaretsa ba ba dirang mophato wa ntlha, bangwe ba dira wa bobedi fa bangwe ba dira wa boraro. Rre Rampape a re go ngomola pelo ka bana bao e le ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro mme ba le babedi mo go bone ba le dingwaga di le lesome le boraro. A re mo baneng ba ba tlogetseng sekole, go ne ga dirwa maiteko otlhe a go ba busetsa mo sekoleng mme ga retela. A re batsadi ba bana bao ba ne ba latelwa kwa malwapeng kgotsa kwa ba leng ga buisanngwa le bone mme fa gongwe ba felele ba isiwa kwa go mmaboipelego mme ga pala. Rre Rampape a re se se utlwisang botlhoko bangwe ba bana bao ba kgona go fitlhelwa ke barutabana ba na le batsadi ba bone ba dira ditiro mo lwapeng mme batsadi ba sa ba rotloetse go ya sekoleng. Ka jalo a re motsadi ga a a tshwanela go laolwa ke ngwana mme o tshwanelwa ke go bontsha ngwana tsela ya boammaaruri. A re gobo batsadi ba kgona go nna fela le bana mo lwapeng ba sa ba rotloetse go ya dikoleng go ne ga ba tlama e le bogogi jwa dikole go buisanya le bogogi jwa motse. A re bontsi jwa batsadi ga ba tsenye letsogo mo dithutong tsa bana ba bone ka bontsi jwa nako ga batle bokopanong jwa batsadi le barutabana. O ne a tswelela a re bothata jo bongwe jo ba tshwaraganeng le jone ke jwa go dirisa ditlhapa thata ga bana ba sekole. A re ba tsaya nako e ntsi ba letlanya kana ba kgalema bana ntateng ya go dirisa matlhapa ka jalo o ne a ikuela mo batsading kana batlhokomedi ba bana go emisa go go dirisa matlhapa fa pele ga bana. Fa a bua ka dikole tse dipotlana mogokgo wa sekole se sepotlana sa Lekadibeng gone mo Lerala, Mme Phorego Motsokono o boletse fa ba itemogetse fa bana ba lekwalo le le kwa godimo ba sena keletso gotlhelele mo dithutong tsa bone. A re ba itemogetse gape gore fa ngwana a dirile phoso kwa sekoleng, ntateng ya gore batsadi ba tshwaragane le barutabana ba kgaleme bana ba nna ka fa tlhakoreng ya ngwana ba tshwaya barutabana phoso. A re bontsi jwa bana ba nna ba le nosi ka batsadi ba nna nako e ntsi kwa masimo fa bangwe ba direla kwa dipolaseng mme seo se na le seabe se setona mo dithutong tsa bana. Fa a ntsha la gagwe mogokgo wa sekole sa ithutelo diatla sa Tswapong Bokone brigade Rre Cornelius Matlhare o boletse fa sekole sa gagwe le sone se wetswe ke seru sa go tlhoka tsebe ga baithuti. A re ba itemogetse fa bontsi jwa baithuti kwa sekoleng sa gagwe ba kgona go fetisa malatsi a le mantsi ba sa tsenelele dithuto mme ba le teng mo motseng wa Lerala. O boletse fa bangwe ba felela ba tlogela sekole go sena mabaka ape mme ba bangwe ba itshiela dino phetelela fa bangwe ba goga metsoko e mo dinakong tse dingwe ba kgonang go nna le dipelaelo tsa gore ba e tlhakanya le ditagi di tshwana le motokwane. O ikuetse mo batsading go tshwaragana le barutabana go tsenya bana mo taolong. Bokhutlo education 4 Kweneng o sekasekelwa moepo wa magala Mopalamenete wa kgaolo ya Lentsweletau/Mmopane, Rre Vincent Seretse o lekodisitse batho ba Medie mo kgaolong ya Kweneng fa dithulaganyo tsa kanoko ya kepo ya moepo wa magala mo kgaolong eo di semeletse. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Medie bosheng, mopalamenete a re e re ntswa a tlhaloganya fa thulaganyo ya moepo e ka lere botshelo mo Mokwena ka go bula diphatlha tsa mebekero, go botlhokwa gape go tlhaloganya maikaelelo ao ka tsela ya one e le motsopodia ka jaana e ya go tlhoka ditshekatsheko tse di tseneletseng. Rre Seretse, yo a bileng a le tona ya peeletso papadi le madirelo, a re go botlhokwa go lemoga fa khamphani ya Minergy ya moepo wa magala e tsweletse ka thulaganyo e e akaretsang kgang ya tshekatshelo ya madi e teseletso ya yone e e tlaa laolwang ke gore a e fitlheletse dintlha tsotlhe tsa botlhokwa tse di yang go tseelwa tshwetso ke lephata la meepo. Mabapi le kgang ya tsela e e tshwenyang batho ba kgaolo eo, tona Seretse o lekodisitse morafe gore bothata ke gore seemo sa ditsela tse di maswe se aname e bile se amile lefatshe ka bophara, ka jalo maiteko a go lwela dikgaolo le one ke bothata. O tlhalositse fa gape maiteko a go lekodisa Tautona ka seemo sa tsela ya Molepolole/Lentsweletau le one a sa tswa dipe ka jaana bothata jwa go tlhaela ga madi e le selo sa gangwe le gape ntle le gore go dirilwe tsholofetso ya gore tsela eo e tswelele ka go gopiwa. Kgosi Moatlhodi Kgabo wa Medie o ne a ngongoregile fa seemo sa tsela e e lomaganyang motse oo le Lentsweletau se ngomola pelo ka e dira metsamao bokete, bogolo jang ka dinako tsa dipula mo go pateletsang gore go ralalwe masimo. O bile a kopa gore go tlhomamisiwe dikgosana tse tharo tsa tetlanyo kwa Medie tse a kaileng fa di tswa kgakala di tshegeditse thomo ya morafe ba sena boikhutso mme a supa fa tiego e ka kgoba marapo. Mokwaledi wa khansele-potlana ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Gofaone Kgabanyane a re thulaganyo e tsweletse go epa letamo la kgaolo eo le le fa gare ga Medie le Moagowe mo ngwageng ono wa madi e a kayang e tlaa thapa batho ba le masome mararo le borataro ka lenaneo la Ipelegeng. Mabapi le dipotso tsa gangwe le gape tsa gore thulaganyo ya tshekatsheko ya batlhoki e akolwa ke ba ba sa lebanang, Rre Kgabanyane a re go itse maduo a tshekatsheko go thata ka jaana e le kgang ya modiredi le yo o dirwang, ka jalo go thata go tlhaloganya gore tshwetso e tserwe jang. Mokwaledi Kgabanyane o ne a lekodisa phuthego ya Medie ka tokafatso e e dirilweng mo thulaganyong ya theko ya dipodi tsa lenaneo la LIMID mo a kaileng e le thulaganyo e e yang go ama theko ya fa go reka puso mme thulaganyo ya batho ka bongwe e tlaa laolwa ke tumalano ya moreki le yo o rekisang. Morafe o iteetse kobo moroko mafoko a ga Kgosi Kgabo ka seemo sa tsela gore se tlhoka go tsibogelwa. Morafe mo go bone go le Mme Magdeline Merementsi le Rre Meriwether Gideon ba supa fa bogodu jwa leruo mo kgaolong e bo ba apesitse kobo ka letshoba, a tlhalosa fa ba kgojwa marapo ke gore boetelediepele bo itshetse moriti o tsididi fela. BOPA politics 7 Keorapetse o leboga batlhophi Mopalamente wa Selebi Phikwe Bophirima, Rre Dithapelo Keorapetse o lebogile batlhophi ba kgaolo ya Selebi Phikwe Botlhaba go bo ba nnile le tshepho mo go ene go ka emela dikeletso tsa bone kwa palamenteng. E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Kagiso a tlhalosa gore maitlamo a gagwe ke go bereka ka natla, a tshwaragane le badiri ka ene kwa khanseleng, batlhophi, badirelapuso le mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofo Molefhi go tlhabolola toropo. Rre Keorapetse o tlhalositse gore tshwaragano ya ba-na-le seabe ka go farologana ke yone e e ka ntshang maduo mo maitlamong a go tlhabolola kgaolo le go bona ditirelo ka nako go sa kgathalesege gore ba tswa mo diphathing tse di farologaneng. Erile a ba tsibosa ka tse di amang palamente, a tlhalosa gore palamente e tsere tshwetso ya gore khamphani ya Stock Exchange e ikemele ka nosi gore ditirelo tsa yone di tle di tokafale. Mo go tse dingwe a re dijo dingwe di tshwana boupi jwa borotho di tlaa bo di sa duelelwe lekgetho la VAT go akaretsa ditshipi tse di dirisiwang mo go tsa temo jaaka dipolantere. Mopalamente o ne gape a tlhalosa gore go tlaa nna le ditlhabololo tse di tlaa tswelelang di dirwa tse di neng di tshwanetse go dirwa ka lenaneo la ditogamaano tsa ditlhabololo la NDP10, mme a kopa setshaba go ntsha megopolo go bona gore ke di fe tse go ka tswelelwang ka tsone mo ngwageng ono wa madi. Rre Keorapetse o ne a solofetsa setshaba gore khamphani e e tlaa bong e apaya ditshipi e tsweletse mme go solofelwa gore e bo e ka thapa badiri ba le makgolo mararo go ya kwa go makgolo a matlhano. Mo go tse di amang motshine o o tlaa bong o apaya merogo le masika a one, o ne a tlhalosa gore le gone Batswana ba ka nona pelo ka kgatelopele e a bonala ka matshine o setse o gorogile mme tsholofelo e le gore o simolole tiro ka Motsheganong. E rile ba akgwa mopalamente dikgaba mongwe wa banni, Rre Godfrey Mbaiwa a kopa gore mopalamente a emele kgang ya maemelo a dipalamo tsa setshaba ka dinao le kokelo. Mo go tsa thuto o ne a tlhalosa gore sekole se sebotlana sa Joseph Enderson se amogela bana ba ba tshelang le bogole mme ba se na ditlamelo tse di ba lebaganeng mo Selebi Phikwe, a tlhalosa gore ba bone thuso ke gore ba bo ba ya Francistown. A re go tlhokafala gore go nne le lefelo la ba-na-le bogole mo Selebi Phikwe. Rre Neo Madome o ne a bua a sa kgwe mathe ka dikole tse di ikemetseng a re ga di na boleng le barutuntshi ba tsone ba se na dithuto tse di tlhokafalang go ka tlhatlhelela baithuti. O ne a tladiwa ke Rre Nametsegang Ntopo ka go re dithuto tse ba di neelwang ga di tsamaelane le se se tlhokwang ke bahiri mme se se raya gore puso e latlhela madi a mantis mo motlhobodikeng politics 7 Inaakanyeng le mekgatlho go tokafatsa matshelo Mokhanselara wa kgaolwana ya Radisele, Rre Michael Motshedi, a re e re ka lefatshe leno le lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya madi ka ntlha ya go phutlhama ga itsholelo ya mafatshe, go mo maruding a Batswana go inaakanya le makgotla a ba ka a dirisang go tokafatsa matshelo a bone le go tsweledisa ditlhabololo mo dikgaolong tsa bone tsa botlhophi. Rre Motshedi yo e neng e le sebui sa tlotla mo moletlong wa go ipelela dingwaga tse nne tsa mokgatlho wa A re Itsanyeng, o o bopilweng ke bomme ba kgotlana ya Maphaphamane, o boletse fa nako e gorogile ya gore Batswana ba eme ka dinao go tsweledisa ditiro tsa metse ya bone ka boipelego go na le go ikaega ka dithuso tsa puso di tshwana le lenaneo la Ipelegeng. Mokhanselara o gakolotse Batswana go boela mo mokgweng wa bogologolo wa go dira ditiro ka boithaopo go na le go leba fela mo pusong ka jaana e ka seka ya kgona sepe ntateng ya go farafarwa ke ditiro di tshwana le tlhokomelo ya batlhoki,masiela, bana le bogole le go dira ditiro tse dingwe tsa setshaba. Mo tirong eo, e e neng e tshwaretswe mo kgotleng ya Maphaphamane batho ba Radisele go balelwa mothusa kgosi ya Maphaphamane Rre Bathusi Rajane, mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo Mme Patricia Letlhogela, mmegadikgang Rre Mojaboswa Jabeng le Mokhanselara Motshedi ba ne ba abela mokgatlho wa Areitsanyeng P1 205 e le tsela nngwe ya go rotloetsa batlhami ba mokgatlho oo. E rile Rre Rajane a tswa la gagwe a lebogela bomme ba Areitsanyeng go tlhama mokgatlho o o lebaganeng tsa tsa bobelotlhomogi jaaka go thusa mo dintshong le mo manyalong, mme a bolela fa go le mo maruding a baagi ba Radisele go inaakanya le mokgatlho oo ka go nna maloko gore e re kgabagare o kgone go bona dithuso fa ba le mo mathateng a tshwana le dintsho. A re e re ka mokgatlho wa bone o gatetse pele ke tshwanelo ya bone go kwadisa mokgatlho oo kwa lephateng la tsa Pereko le Selegae gore ba kgone go nna le setlankana le molao motheo o o tlaa tsamaisang lekgotla la bone. Mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Radisele Mme Patricia Letlhogela, o ne a iteela Bomme ba Maphaphane legofi go bo ba simolotse mokgatlho o o ikaeletseng go thusa mo diphitlhong, mme a bolela fa jaanong e le sebaka sa batho ba ba dikobo-dikhutshwane go tsena mo mokgatlhong o o gore ba kgone go ipoloka go na le go ikaega ka dikhansele tse a tlhalositseng fa le tsone di lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la madi. Source:Author:Location:Date:more news »Main LinksNetworksSocial NetworkUseful LinksServicesContacts politics 7 Makawana a sekela go thuba le go utswa Makawana a le mabedi a Itholoke mo kgaolong potlana ya Mabutsane a tlaa itshupa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata la Jwaneng kgwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi a le mane go arabela molato wa go thuba lebentlele le go utswa. Keipoletse Hoje, yo o dingwaga di masome mararo le bobedi, le Samuel Dikhuku wa dingwaga tse di masome mabedi le bobedi, ba lebisitswe molato wa go thuba marekisetso a Gaasite General Dealer and Fresh Produce gone kwa Itholoke ba bo ba utswa dithoto tsa madi a a ka tshwarang dikete di fera bongwe, makgolo a mararo le borataro a dipula. Go bolelwa fa ba dirile jalo ka Tlhakole mme dithoto tseo di ne di akaretsa diyunitsi tsa megala, dijo le motsoko. E ne ya re ba itshupa fa pele ga lekgotla bosheng, mosekisiwa wa ntlha, e bong Hoje o ne a ipona molato fa Dikhuku ene a supile fa a sa ipone molato. Ba bosekisi, ba emetswe ke Inspector Kumbani Machaya ba ne ba supa fa ditlhotlhomiso tsa kgang e di weditswe mme ba ikaelela go tsisa basupi ba le batlhano fa pele ga lekgotla. Inspector Machaya o ne a kopa lekgotla gore le fe ba bosekisi sebaka gore ba ye go baakanyetsa mosekisiwa wa ntlha dintlha tsa kgang gammogo le go neela mosekisiwa wa bobedi dipampiri tsotlhe tse di tlhokegang gore tsheko e tswelele. Basekisiwa ba tlaa itshupa gape kwa lekgotleng Seetebosigo a tlhola malatsi a le mane go tla go baya malatsi a tsheko. crime_law_and_justice 1 Kedisitse o ipelafatsa ka thuo ya dikoko Mme Seanokeng Kedisitse a re o ipelafatsa ka thuo ya dikoko tsa nama e a e direlang mo lwapeng. Mo puisanyong, Mme Kedisitse o tlhalositse fa a simolodisitse kgwebo ya thuo ya dikoko tsa nama mo lwapeng lwa gagwe ka 2015. A re o ne a simolola kgwebo e morago ga gore a tlhokafalelwe ke monna mme lelwapa la gagwe la simolola go sokola ka rre yo e le ene a berekang. Mme Kedisitse o boletse fa a ne a diragatsa Setswana se se reng ‘e a re go tlogelwa tsatsing se ikise moriting’ mme o ne a tswa ka leano la go tshetsa ba lelwapa ka e bile ba ne ba sa ntse bale bannye fa rraabone a tlhokafala. A re ka a dumela gore mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng, o ne a ipolelela gore o tsile go dira ka thata gore a kgone go tlhokomela bana. O boletse fa a simolotse kgwebo ka go rua dikoko tsa nama di le masome a mabedi mme ka go thoka lesego di le tlhano tsa aswa di le dinnye mme a kgona go rekisa di le lesome le botlhano. Mme Kedisitse a re ka fa dikoko tsa gagwe di neng tsa rekwa ka teng go ne ga mo nontsha pelo. A re ka jalo a nna le tumelo ya gore kgwebo e, e ka dira sentle fa a ka rua palo e ntsi ya dikoko. A re mo nakong e e tlang o ne a rua dikoko di le masome a mane mme tsa aloga tsotlhe a bo a kgona go bona dikete tse pedi tsa dipula fa a sena go di rekisa. O boletse fa se ya bo e le tshimologo ya sengwe le sengwe, mme a oketsa palo ya dikoko go nna lekgolo. Mme Kedisitse a re mo dikokong di le lekgolo o dira madi a a tshwarang dikete tse tlhano tsa dipula fa go sena tse di neng tsa aswa pele ga thekiso. A re gompieno o rekisetsa dikoko tsa gagwe batho ka bongwe le ba ba nang le mediro jaaka manyalo. O tlhalositse fa a ise a kgone palo e e batlwang ke bareki ba gagwe ka o rua palo e e lekaneng ya dikoko. A re se se dirwa ke go tlhoka lefelo le le bulegileng le a ka ruelang mogo lone. Mme Kedisitse o boletse fa thuo ya dikoko e kgonne go tshetsa ba lelwapa la gagwe e bile bana ba gagwe ba alogile ba tsena kwa dikoleng tse dikgolwane. A re o kgonne go dira dilo tse dintsi ka madi a a a bonang mo thuong ya dikoko. O boletse fa dikgwetlho tse a kopanang le tsone mo kgwebong ya yagwe e le go swa ga dikoko di sale dinnye mme se se dire gore kgwebo ya gagwe e seka ya dira dipoelo mo nakong dingwe. O kgothaditse bomme go ema ka dinao fa ba kopana le dikgwetlho tsa botshelo di tshwana le go tlhokafalelwa ke yoo neng a tlhokomela lelwapa. A re bomme ba eme ka dinao ba tsee mananeo a puso a a ka ba namolang lehuma. Mme Kedisitse o kgothaditse bomme go emana nokeng ka dinako tse di thata ga mmogo le go ipopa ditlhopha go itshimololela dikgwebo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Thuto ga e golelwe e botlhokwa Morutintshi kwa Molepolole, Mme Lorato Mojakgwathe o rotloeditse bagolo go inaakanya le thuto ga e golelwe. A re le botlhokwa go fetola matshelo a bone. Mo potsolotsong, Mme Mojakgwathe a re o na le baithuti ba le lesome le bobedi, bomme ba le barataro le borre ba le barataro ba ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le boferabongwe le masome a supa le bone. A re dithuto di tsenela kwa sekoleng se sebotlana sa Sebele mme di simolola ka nako ya masome mabedi morago ga nako ya bone go ema ka nako ya masome mabedi morago ga nako ya borataro mo maitseboeng. A re lenaneo la Adult Basic Education Programme (ABEP) le dira le bagolo ba ba iseng ba tsene sekole gotlhelele. A re ba ka tswelela ka lokwalo lwa boraro fa ba kwadile lokwalo la bosupa. A re bagolo bao ba rutwa go bala le go kwala ga mmogo le tiro ya diatla, mme morago lephata la thuto ga e golelelwe le ba ise thutopuisanyo kwa ba ithutang thata ka tiro ya diatla. O tlhalositse fa bagolo ba fiwa ditlankana morago ga go kwala lekwalo la bosupa go di dirisa go batla tiro. A re go mosola go ithuta ka gore ba a tle ba nne le beke ya baithuti ba kgaolo ya Kweneng, e e leng gore go tshwarwa dikgaisanyo ka go farologana jaaka tsa go kwala, tiro ya diatla, maboko, dikhwaere le tse dingwe. O tlhalositse fa dikgaisanyo di efa baithuti sebaka sa go ithuta mo go ba bangwe ga mmogo le go amogela dimpho go ba rotloetsa fa ba dirile sentle. A re bangwe bogologolo ba ne ba thapiwa kwa ditirong tse di farologaneng ba sena ditlankana tsa lokwalo la bosupa, mme go nne dingalo gore ba bone tlhatloso maemo. O tlhalositse fa ba kopana le dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya dibuka le lefelo la dithuto le le botoka fa ba ntse ba tsweletse. A re gantsi ba a tle ba dirise leobo la kgotla kana sekole mme fa beng ba mafelo ao ba a dirisa go ba itsa go tswelela le dithuto sentle. A re bagolo ke batho ba ba nang le ditshwarego ka mabaka a dintsho, manyalo le mediro e mengwe, ka jalo di dira gore ba seka ba iponatsa kwa dithutong mo malatsing mangwe. A re kgwetlho e nngwe e tona ke gore fa dikole tsa bana di tswala, bagolo le bone ba batla go tswala, mme seo se busetse dithuto tsa bone kwa morago. A re e le ba thuto ga e golelwe ba tswelela fela ka dithuto go fitlhelela ka Ngwanatsele. Mongwe wa baithuti, Mme Gaatlhaleshwe Kgosidintsi a re lenaneo la thuto ga e golelwe le mo solegetse molemo ka a nnile le sebaka sa go itse go bala le go kwala. A re fa motho a itse go bala le go kwala ga a bonelwe diphiri ke batho jaaka go balelwa melaetsa mo mogaleng wa letheka kana mo dikarateng tsa bongaka. Le fa go ntse jalo, o rotloeditse bagolo go inaakanya le thuto ga e golelwe gore ba tle ba nne le sebaka sa go itse go bala le go kwala gore ba tle ba bale dipampiri tsa dikgang gore ba itse se se diragalang mo lefatsheng. O ba rotloetsa go ya thuto ga e golelwe gore ba seka ba tsiediwa ke manweenwee mangwe a a ratang go tsietsa bagolo ka ba re ga ba a rutega. BOKHUTLO education 4 Kgokgontsho ya bong e gaketse Mopalamente wa Serowe Borwa, Dr Pelonomi Venson-Moitoi a re kgokgontsho ya bong, bogolo jang e e diragalelang bomme le basetsana e utwlisa botlhoko. Fa a buisa diphuthego tsa kgotla mo kgaolong ya gagwe bosheng, Dr Venson-Moitoi o boletse gore dikgang tsa thubetso kgotsa go itseela dikobo ka dikgoka mo baneng le bagodi di kwa godimo. A re le mororo bomme bangwe ba na le seabe mo kgannye ya thubetso, dipalo di supa fa banna ba tsaya folaga. A re letsatsi le letsatsi go begwa fa borre bangwe ba thubeditse bana ba bannye, fa go gongwe ba thubeditse basadibagolo ba ba senang boitiro kana thata ya go iphemela. O boletse fa bangwe ba ipoeletsa mo melatong ya mefuta eo fa go twe ba emele tsheko kwa ntle ga kgolegelo. O kopile morafe le bogogi go thusa puso go lwantsha seemo sa mofuta se se ngomolang pelo. Banni mo diphuthegong ka go farologana ba kopile puso go gagamatsa molao, ba bolela fa babelaelwa ba sa tshwanela go letlelelwa go emela tsheko kwa ntle, fa bangwe bone ba boletse gore ba ba bonwang molato ba atlholelwe botshelo jotlhe mo kgolegelong. Ka dikgang tsa bogodu jwa leruo, ba boletse gore ditsheko tsa teng di sekelwe mo makgotleng a Setswana e seng a bommakaseterata. Mopalamente o ne araba ka go re molao wa re mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go itlhophela gore o seka kae, a bolela fa ba makgotla a ditshaba le balwela ditshwanelo tsa setho ba bolela fa mongwe le mongwe a na le tshwanelo e bile a sekake a bonwa molato kgotsa a tlhatlhalelwa ruri a ise a seke. Mo dikgannye tse dingwe, Dr Venson-Moitoi a re o belaela gore ka lekgotla le le ikemetseng ka nosi la ditlhopho le ne la fokotsa mafelo a matlhophelo, batho ba itsapa go ikwadisa, mme a solofetsa gore kgang ya teng ba tlaa leka go e bua le lekgotla gore a ba ka seke ba oketse mafelo ao. crime_law_and_justice 1 Badirelapuso ba aba diaparo Badirelapuso ba ba direlang mo mafelong ka go farologana ba tsweletse ka go tsibogela moono wa ga Tautona wa lefatshe leno wa go thusa ba ba tlhokileng lesego. Seo se supilwe ke badirelapuso ba Lerala mo kgaolong ya Tswapong Bokone ba ba neng ba abela ba-na-le-bogole ba motse o ba direlang mo go one ba le masome a mabedi diaparo. Fa a rola diaparo tseo, modulasetilo wa komiti ya badirelapuso mo motseng oo, Rre Frank Mahulela o boletse fa ba-na le-bogole ba na le bokgoni jwa go tsaya karolo mo ditlhabololong tsa lefatshe leno fela jaaka batho ba ba sa tsheleng ka bogole. Ka jalo a re puso e tsentse letsogo ebile e dira go le gontsi gore ba-na-le-bogole ba seka ba salela kwa morago mo go akoleng mananeo a a diretsweng Batswana jaaka go tsena dikole le gone go tsaya mananeo a go itshedisa. A re go bo badirelapuso ba ne ba tlhopha ba-na-le-bogole go ba abela ga go ree gore ba ne ba ba tlhomogela pelo mme ke ka lebaka la gore ba a ba lemoga ebile ba lemoga gore le bone ke batho ba ba nang le seabe mo itsholelong ya lefatshe la bone. Rre Mahulela o ne a re go ne go le maleba gore tiro ya go abela ba ba tlhokileng e nne ka kgwedi ya Lwetse ka e le kgwedi e e faphegileng e lefatshe leno le tsereng boipuso ka yone ebile e le kgwedi ya segopotso sa ba ba re tlogetseng ntateng ya bolwetse jwa AIDS. O boletse fa e le badirelapuso ba tshwanelwa ke go itsenya mo banning ba metse e ba direlang mo go yone gore ba itse dikgwetlho tsa botshelo tse di ba amang le gore ba ka ba thusa jang. A re ba ne ba eleditse go ka dira go feta mo ba go dirileng mme a solofetsa banni ba motse wa Lerala fa ba tlaa iphutha metlhala gape go dira go le go ntsi mo nakong e e tlang. A re gore tiro ya go abela ba na le bogole e bo e felele e kgonagetse ke ka popagano ya badirelapuso ba ba neng ba seka ba ipona tsapa mme ba ntsha madi mo dipateng tsa bone. Mooki go tswa kwa kokelwaneng ya Lerala Rre Tshwaranang Phillimon o ne a kgothatsa ba-na-le bogole go dira ka natla. A re ba-na-le-bogole ga ba a tshwanela go bewa ka kwa morago ga matlo mme ba tshwanelwa ke go tlhakatlhakana le batho ba bangwe. A re go setse go supagetse gore bontsi jwa ba-na-le-bogole ba kgona go itshetsa ebile ba tsenelela metshameko e e farologaneng mo lefatsheng leno. Mothusa Kgosi wa Lerala Kgosi Ookeditse Shaw o ne a lebogela popagano ya badirelapuso ba motse wa Lerala. A re go a bonala fa badirelapuso ba ba direlang mo motseng wa Lerala ba na le mowa wa bobelotlhomogi ebile ba kgathala ka ba ba nnang le bone. O ne a ba rotloetsa go tswelela ka mowa o ba nang le one wa bobelotlhomogi. BOKHUTLO politics 7 Kgosi Matlhare o akgola mokgatlho Kgosi Rodgers Matlhare wa kgotla ya Old Disana mo Maun o akgotse mekgatlho ya bobelotlhomogi e e thusang go tlhokomela masiela le bana ba ba tlhokileng lesego. Kgosi Matlhare o ne a bua kwa moletlong wa keresemose bosheng mo Maun o o neng o diretswe go itumela le bana bao. A re mekgatlho e tshwana le wa barulaganyi ba moletlo wa Motse wa Kgalalelo e dira tiro e kgolo ya go tsisa boitumelo mo baneng bao le go ba tlhagolela isago e e faphegileng. A re ka jalo, ga go na masiela mo lefatsheng leno ka bana ba na le batlhokomedi le mekgatlho. Kgosi Matlhare o ne a akgola ba Motse wa Kgalalelo ka go fa bana bao keresemose go sale gale, gore le bone ba seka ba salela morago ka letsatsi leo mo kgweding e e tlang ya Sedimonthole. O ne a tshwaela fa bana bao ba fiwa tshwanelo ya sekolo, ka jalo ba tlaa nna le isago e e tlhapileng, mme ba tsoge ba le babusi ba lefatshe le maphata a a farologaneng a puso. Morulaganyi wa Motse wa Kgalalelo, Mme Samo Moepi a re maikaelelo a bone ke go aga motse o o feletseng ngwaga o o tlang, o o ka neelang bana ba masiela le ba ba tlhokileng lesego bonno. Mme Moepi a re mo nakong ya gompieno bana bangwe ba Motse wa Kgalalelo ba filwe boroko ke ba mekgatlho e mengwe mo Maun jaaka Bana ba Letsatsi le ba Love Botswana. O ne a supa fa ba na le bana ba ka tshwara makgolo a mabedi ka fa tlase ga tlhokomelo ya bone le fa moletlo wa letsatsi leo o ne o rulaganyeditswe ba ka tshwara masome a supa fela. Le fa go ntse jalo, Mme Moepi o ne a supa fa mokgatlho wa bone o tlhaelelwa ke ditsompelo bogolo jang madi, go ka kgona maikaelo a bone a go busetsa bana bao mo seemong. O ne a tlhalosa fa moletlo oo o rotloeditswe ke Spar, ka jalo ba ka itumela fa ba bangwe ba ka ba tswa thuso. Moletlo oo o ne o tshwaretswe kwa lefelong la itloso bodutu la Potential Gardens mo Maun, mme le natefisiwa ke seopedi, Rre Kabo Leburu. BOKHUTLO society 9 Rotlhe re tlamega go somarela lefatshe - tona Ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go tsaya boikarabelo go tlhokomela le go sireletsa lefatshe gore ba ba tswang kwa morago ba le fitlhele. Mafoko a a builwe ke tona wa boagedi, mesepele le bong, Rre Edwin Batshu, a tlhaloseditse banni ba Gojwane mo phuthegong ya kgotla gore lephata la gagwe le filwe boikarabelo jwa go bona gore bana ba ba tsholelwang mo Botswana ba a kwadisiwa go tlhomamisa gore ba akarediwa mo ditogamaanong tsa lefatshe. Tona Batshu a re ngwana fa a sena go tsholwa, o tshwanetse gore a bo a kwadisitswe mo lebakeng le le sa feteng malatsi a le masome a marataro, fa dintsho tsone di tshwanetse go kwadisiwa pele ga malatsi a le masome a mararo. O rotloeditse borre go tsaya boikarabelo jwa matshelo a bone, a tlhalosa fa dintsho tsa borre di feta tsa bomme, selo se a reng se supa fa borre ba le maoto a tshupa go bona ba bongaka. Tona Batshu, yo gape e leng mopalamente wa Nkange, o rotloetsa batsadi go bitsa bana maina a e tlaa reng ba godile ba a itumelele ka go se motlhofo go fetola leina ka go dirwa jalo go setswe molao morago mme e bile go le mogoga moleele. Rre Batshu o tlhaloseditse banni gore ope yo o tlaa fitlhelwang a thapile kana a neetse motswakwa boroko a sena teseletso ya go nna kana go bereka mo Botswana a le banwe ke molato o o ka mo isang kgolegelong. Rre Ntshegang Lelu, yo e leng monni wa motse, o tlhalositse fa ba tshwentswe ke dikereke tse di alafelang mo nageng mme e re morago ba tlogele didirisiwa tsa bone mo sekgweng, a tlhalosa fa se se kgotlela tikologo. Rre Lelu o ne a kopa Tona Batshu go ikopanya le tona yo o maleba go potlakela go abela dikereke ditsha gore ba kgone go direla kalafi ya bone mo lefelong le ba le neetsweng. Kgosi Kebalepile Ketlhaetse wa Gojwane o ne a supa fa banni ba motse oo, o o mo kgaolong ya botlhophi ya Serowe Bokone ba santse ba tlhaela thuto go tswa mo lephateng la dipasa. Kgosi o ne gape a supa fa batswakwa ba le bantsi mo motseng, mme ba sena tetla, a re se se rotloediwa ke batho ba ba ba letlelelang go nna mo malwapeng a bone a bo a tlhalosa fa bangwe ba tshodisitse bana ba motse oo bana mme a kopa tona go ba tswa thuso. Mokhanselara wa Serule, Rre Meshack Mabutho o kopile botlhe ba ba nnang le batswakwa go ba ntsha mo malwapeng ka dikhansele di imelwa ke go tlhokomela bana ba ba senang batlhokomedi ka bontsi jwa batsadi ba bone e le bomme ba itsholelo e e kwa tlase. BOKHUTLO society 9 Dikereke le bogogi di tshwanetse go dirisanya Kgosiya Khudumelapye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Kgosi Edwin Ramokobetwane o kopile baruti ba dikereke tsa motse oo go dirisanya le bogogi jwa motse mo ditirong tsa ditlhabololo. E rile kgosi a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke bogogi jwa motse ooSeetebosigo a le masome a le mabedi le bosupa, a tlhalosa fa dikereke e le botshabelo jwa mongwe le mongwe mme fa baruti ba ka tshwaragana le bogogi jwa motse go ka tswa maduo, botlhoka tsebe ja fokotsega gammogo le gone go itontela dino ga banana. Kgosi o ne a kopa botlhe ba ba nang le seabe go netefatsa gore dikereke tsa bone di kwadisitswe ka fa molaong go itsa go tlala ga tsone gongwe le gongwe le gone go kopa ditsha gore dikereke di emise go tsenela mo malwapeng. O kgothaditse dikereke go nna le seabe mo ditlhabololong tsa motse. Kgosi o supile fa dikereke di phatlalala gantsi ka go lwelwa maemo le go ja madi, mo go ka fedisiwang ka go a baya mo dibankeng. Kgosi Ramokobetwane o bile a gakolola banana ba motse oo go tsena dikereke gore ba kgone go fapoga dihawa tse di lebaneng banana ba lefatshe leno jaaka go tsenwa ke malwetse a a farologaneng ntateng ya go itontela majalwa, a kopa baruti go kgothatsa maloko a dikereke tsa bone go dira loaro le le babalesegileng la borre ga mmogo le gone go itlhatlhobela mogare wa HIV. E rile mothusa kgosi, Rre Othusitse Mosimane a tlatsa a kgothatsa morafe go tsena kereke ka tlhoafalo le go nna boikanyego. Mothusa kgosi o kaile kereke le bogosi e le ditiro tse pedi tse di tshwanang mme tshwaragano e ka nna phenyo mo go tse tsotlhe. Mothusa kgosi o kopile lekgotla la baruti go ema ka dinao go bontsha morafe ka mosola wa go tsena kereke. BOKHUTLO society 9 Mokhanselara wa pele o bolokilwe Mokhanselara wa pele wa kgaolwana ya Selokolela-Moshana mo kgaolong ya Borwa, Rre Nelson Rowland, o bolokilwe kwa Kanye ka bofelo jwa beke. Rre Rowland o tlhokafetse kgwedi ya Morule e le supa morago ga go lwala ka bokhutshwane a le dingwaga tse 65. Rre Rowland, yo o neng a itsege ka leina la Bokhukhu, o nnile mokhanselara wa phathi e e busang ya Botswana Democratic Party (BDP) go simolola ka ngwaga wa 1989-2009. Dubui ka go farologana di kaile fa Rre Rowland e ne e le motho yo o tlhaga thata mo ditirong tsa gagwe e bile e le mogwebi wa popota a tsamaisa madirelo a gagwe ka manontlhotlho. Mongwe wa dibui, tona wa temo-thuo, Rre Patrick Ralotsia, o kaile Rre Rowland e ne e le molemi-morui wa popota. Rre Ralotsia, yo gape e leng mopalamente wa Kanye Bokone, o boletse fa Rre Rowland e ne e le motho yo o lerato le tlotlo Tona wa pele wa dikgaolo Rre Peter Siele o boletse fa Rre Rowland a bereketse Botswana Democratic Party ka natla le boikokobetso. O boletse fa phathi e latlhegetswe ke senatla. Rre Siele a re Rre Rowland e ne e le motho wa metlae e bile a obamela nako thata. O boletse fa ba berekile mmogo thata mo khanseleng ya Borwa. Mo boemong jwa khansele ya Borwa mothusa modulasetilo, Rre Alec Seametso o boletse fa ditiro tsa ga Rre Rowland di santse di tsweletse di dirwa ka gore di mo lenaneong la ditlhabololo. O boletse fa a ne a le senatla ke sone se a tsereng lebaka le le leele e le mokhanselara. E re le fa, rraagwe Rre Rowland a tlholega kwa Croydon kwa England, ene o tsholetswe mo Kanye ka kgwedi ya Phatwe e ferabobedi ka 1950. A tsena sekole se sebotlana kwa Rachel, a ya go tsweledisa kwa Kanye High School (Matsaakgang) go fitlha ka lekwalo la bosupa. Go tswa foo a bereka kwa ga Tautona wa bobedi Sir Ketumile Masire e le motlhokomedi wa didiba. Morago a ya go dira dithuto tsa go baakanya didiba kwa Sebele O ne e le leloko la mokgatlho wa Kanye Abattoir, Southern District Communal Beef Farmers Association le Phanyane Artificial Insemination. E ne e le leloko la kereke ya ERP Unity Church. O tsene mo nyalong e e boitshepho le Mme Pulafela Rowland ka 1975, ba segofadiwa ka bana ba supa, banna ba le batlhano le basadi ba le babedi. O tlogela mosadi, betsi ba le babedi le bana ba bana. society 9 Letsogo la banana mo tlhabololong ya motse ga le bonale Kgosi Nyemudzu Balo wa Nkange a re banana ga ba tsenye letsogo mo ditirong tsa motse. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, kgosi o tlhalositse gore go tshwanetse ga rolelwa banana marapo mme ba nne le seabe mo tsamaisong ya ditiro tsa motse go ithuta le go tsaya malebela. Kgosi Balo a re dipalo tsa banana ba ba tsentseng letsogo mo ditirong tsa motse di boutsana. O ne a bua ka ditiro ka go farologana jaaka go ipelela boipuso le meletlo e mengwe e e ka tlhokang boleng teng jwa banana a re ga go na maiteko ape. A re ntleng le go tsenya letsogo mo ditirong tsa motse banana ga ba tsibogele mananeo a puso e a dirileng go boloka matshelo a bone. Kgosi o ne a re banana ba goga dinao ba lebetse gore ke bone ba tlaa tsogang e le bone letswai la itsholelo ya lefatshe la Botswana a re go na le gore banana ba supane ka menwana ba thusane mo diemong tsotlhe ka mowa wa bojammogo. Kgosi o ne a re le ntswa banana ba sa tsibogele mananeo, a re a puso e seka ya ipona tsapa e tsweledise ka go thusa Batswana ka kakaretso. A re puso e gorose ditlamelo e sere morago Batswana ba e supa ka monwana, e nne bone ba tlelwang ke boikotlhao. Fa a ema banana nokeng, Rre Gabriel Tshekiso, yo e leng modulasetilo wa komiti ya banana a re banana ba boitseme go tsaya karolo mo ditirong tsa motse. A re mo tekodisong le banana ba bangwe, o fitlhetse ba na le matswenyego. Rre Tshekiso o boletse gore banana ba bega matshwanyego a gore mabaka a go bo ba sa tsibogele ditirelo tsa motse ke gore dilelo tsa bone ga di reediwe ka nako, a re banana ba kopa tshalo morago ya mananeo a puso e a abelang Batswana gore ba kgone ba bone dikgakololo le tsela ya go ka somarela go itshetlela ga dikgwebo. Modulasetilo a re banana ba lela gape ka gore dikomponi tse di tsayang karolo mo ditlhabololong tsa motse ga di ba tswele mosola. O ne a re banana ba re ba tshosiwa ke gore le ka lone lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP ba tlaa tswa ba iphotlhere. Rre Tshekiso a re dikomponi tse di tlang mo motseng di tla di thapile badiri ba tsone mme seo se beye banana ba Nkange ka fa mosing mme ke ka moo ba kgobegang marapo. Rre Jabe o ne a re ka dinako tse dingwe ditlamelo di goroga kwa go bone morago ga sebaka se se solofetsweng. O ne a re ditlamelo di tla morago ga nako ka jalo a go gwetlhe boeteledipele go netefatsa gore tse tsotlhe di wetse mo mannong a a maleba. Fa a gakolola banana ka ene o ne a re banana ba ikgaphe mo diritibatsing le borukutlhi ka seo se senya seriti sa bone banana le motse ka kakaretso. A re banana ba nne seopo sengwe. Bokhutlo society 9 Kgari Sechele o a ipela Moletlo wa go ipelela dingwaga tse di masome marataro sekole se segolwane sa Kgari Sechele kwa Molepolole se ntse se le teng o tlaa tshwarwa Lwetse a le lesome le bone. Go solofetswe gore moletlo o thuse go tsholetsa serodumo sa tirisanyo mmogo mo thutong. Mo potsolotsong le mogokgo wa sekole seo, Rre Lapologang Kolagano yo o kaileng fa ba beile kwa pele mowa wa tirisanyo mmogo le tshwaragano go thusa gho tokafatsa maduo a sekole. O supile fa ba dumela gore fa tshwaragano e le teng fa gare ga sekole, batsadi le ba-na-le seabe jaaka baithuti ba pele go ka rotloetsa baithuti go tsaya tiro ya bone ka tlhwaafalo. Rre Kolagano o ne a tlhalosa fa ba tsweletse ka dithulaganyo tsa go baakanyetsa moletlo oo. A re mephato ya pele ya bana ba ba kileng ba tsena mo sekoleng seo e ne ya itlama go ntsha P10 000 mophato mongwe le mongwe. A re mo nakong eno ba setse ba kokoantse P80 000. A re methale e mengwe ya go kokoanya madi e ntse e tsweletse, jaaka moletlo wa dijo oo o tlaa tshwarwang kgwedi eno e le masome a mabedi le botlhano. O ne a supa fa bosheng ba ne ba le mo thulaganyong ya go sela matlakala mo dikgotlaneng tse di dikologileng sekole tsa Borakalalo, Lekgwapheng le Goo-Ntloedibe ba rotloediwa ke kompone ya Sani Care ee ba abetseng kgomo ya moletlo. A re ba seromamowa sa Duma Fm ba itlamile go ba rotloetsa ka ipapatso ya madi a a fetang P32 000, mme a re batsadi le barutabana le badiri ba sekole le bone ba itlamile go ntsha lemmenyana. Rre Kolagano a re Kgari Sechele o sale a tlhomilwe ka 1958 mme o simologile go tsenelwa fa sekoleng se sebotlana sa Kealeboga. A re fa se sale se tlhamilwe se ntshitse baithuti ba ba nnileng le seabe mo tsamaisong ya lefatshe leno mo maemomg a a kwa godimo a puso. Rre Kolagano o kopile Bakwena le Batswana ka kakaretso go ba tshologa mokgosi go thusa ka megopolo le dikakanyo go dira moletlo wa selebego se se eletsegang. O ne a tswelela ka go rotloetsa Bakwena go tsenya letsogo mo go baakanyetseng moletlo a supa fa e le bone ba tshwanetseng go nna le letsogo le le bonalang gore thuto ya bana ba bone e tokafale. BOKHUTLO education 4 Lenaneo la go aga sekole kwa Boro le tsweletse Fa madi a ka nna teng, mogopolo wa go aga sekole sa mephato e mebedi kwa Boro le tlaa simolodisiwa go itsa baithuti go tsamaya sekgala sa dikhilomethara di le masome mabedi ka letsatsi ba latela sekole kwa Matlapaneng. Fa sekole se se ka agwa e tlaa bo e le phitlhelelo e kgolo ka jaana banni ba Boro ba sa bone boroko ka ntlha ya mosepele o moleele o baithuti ba o tsayang go latela thuto. Se se tshwenyang le go feta, banni ba supa e le bodiphatsa jwa lefelo leo ka go saila diphologolo tse di borai di tshwana le ditlou. Ka molelela phofu ya gagabo a sa swe lentswe, mo bokopanong bope fela jwa khansele, Mokhanselara Kenson Kgage ga a ke a ipona tsapa go bega ka selelo sa banni mabapi le tiego ya go agwa ga sekole. Rre Kgage o supile boitumelo fa a akgela mo pegong ya modulasetilo e e supileng fa selelo sa bone se tlaa arajwa fa madi a ka nna teng. Keletso ya ga Rre Kgage ke gore khansele e bone madi ka se se ka fefosa kago ya sekole. Go ya ka mokhanselara, karabo ya gore fa madi a ka bonwa go tlaa potlakelwa go aga sekole e tlaa nna kgothatso mo baithuting mme se se tokafatse maduo ka ba tlaa bo ba bona thuto segautshwane. Khansele e mo lenaneong la go dirisa dikago tse di bapileng le kgotla kwa Boro tse di akaretsang matlo a mabedi a LA2 le LA1 le ntlo lehalahala. Mo pegong ya gagwe, modulasetilo wa khansele, Rre Duncan Enga o tlhalositse fa dikago tseo di se mo seemong se di ka dirisiwang, ka jalo di tlhokana le go shafadiwa. O supile fa go sena matlo a boitiketso, ka jalo a tlhokana le go agwa le go gokelwa ga metsi le motlakase. Rre Enga a re tiro e e batla sedikadike sa dipula mme mo nakong eno madi ao a ise a nne teng. Ka jalo, a re ga ba a ithela moriti o tsididi ka ba dira ka gotlhe go tla ka maano a go batla madi a tiro e. Fa a ama tsa kwa Sexaxa, a re kago ya sekole seo, se le sone e leng sa mephato e mebedi, e setse e fela. Sekole se, sone se agilwe ke khamphani ya And Beyond mme tsholofelo e ne e le gore se tlaa tsena mo tirisong ngwaga ono o rogwa. Modulasetilo a re sekole ga se mo seemong se se ka dirisiwang ka go na le dingwe tsa botlhokwa tse di saletseng morago di tshwana le dibolakaboroto, mabeelo a dibuka, lobati lwa dikitsiso fa metsi a ise a gokelwe kwa matlwaneng a boitiketso le ntlo ya boapeelo e ise e gokelelwe metsi. Tsa kgopho ya metsi a a leswe le tsone ga di ise di dirwe. Tse tsotlhe, go ya ka Rre Enga di saletse morago ka lebaka la tlhaelo ya madi. Mokwaledi wa khansele a re ba berekela mo nakong gore ba And Beyond ba ba rolele sekole gore khansele e tsee marapo a go se feleletsa. Tiro e e saletseng morago e ka lopa dikete di le makgolo a mabedi le masome a matlhano a dipula mme, ‘re dira tsotse gore re tsee madi mo go a re a filweng fa go kgaoganngwa madi a setshaba e bile ke na le tsholofelo ya gore fa setlha sa bobedi se simologa sekole se tlaa bo se le mo tirisong ka jaana tiro e e setseng e se ya sepe’. A re sekole se se botlana sa kwa Khwai se ka tswa se nnile le madiadia a gore ga go na didirisiwa tsa botlhokwa ka se ne se se mo lenaneong la kgaoganyo ya madi. Sekole se sone se ne se rotloediewa ke ba Okavango Air Rescue mme kago e tsweletse. A re dingwe tsaa dikago tse di agwang di akaretsa ofisi, ntlo ya dikhomputara, matlwana a boitiketso, ntlo ya boapeelo le ya bojelo le matlo a borutelo a supa. Rre Enga a re khansele e tlaa aga matlo a bodiredi a roba bobedi a LA2. education 4 Tlhaelo ya ditsompelo e diga maduo a thuto Makhanselara a kgaolo potlana ya Serowe ba re kgaolo ya bone e na le kgwetlho e tona ya kwelo tlase ya maduo a thuto mo dikolong bogolong jang thata tse di potlana. Ba buile se, fa ba akgela mo mafokong a modulasetilo wa khansele potlana ya kgaolo ya bone, Rre Mpho Kooreme fa a bula khansele eo mo bekeng eno. Ba kaile fa letlhoko la didirisiwa le matlo a bonno jwa barutabana bogolo jang ba dikole tse di kwa dikgaolong tse di mo tikologong ya Serowe di baka gore maduo a bana a seka a nametsa. Fa a tswa la gagwe mokhanselara wa Serokolwane Rre Setlalekgosi Molefhi, o tlhalositse fa go tswala ga sekolo se se botlana sa Riverside mo Serowe go na le seabe mo thutong ka bana ba tshwanelwa ke go latela thuto kgakala. Rre Molefhi a re se, se baka gore ka paka ya dipula bana bangwe ba seka ba ya sekolong ka go na le molapo. O boletse gape fa kgaolo ya gagwe e tletse matlotla a mantsi, a e bileng mangwe a one e leng dikago tsa puso, ka jalo o kopile khansele le ba ofisi ya ga molaodi go tsibogela se, ka jaana matlotla a a baka borukutlhi jo bo kwa godimo ka gore dilalome di iphitlha teng. Rre Molefhi a re e sale ka a tsena mo kgaolong ya gagwe ka ngwaga wa 2009 ga go ise go nne le ditlhabololo dipe ka gore go nna go twe ga go na madi mme dilo tse dingwe di tshwanetse go sekasekwa go seka ga bewa fela mo go reng ga go na madi. Rre Entletse Boitshwarelo wa Mmashoro ene o ne a gatelela kgang ya thuto a re ene o tshwenngwa ke gore go na le bo mmamanthwane ko dikolong le kwa matlong a bonno a barutabana. Rre Boitshwarelo a re kgang e e a tshwenya ka gatwe ba seka ba bolaiwa, ntswa monko wa bone (bommamanthwane) ba kgoreletsa thuto ya bana. E ntse e le ka thuto, o ne a tlhalosa fa maduo a bana a le kwa tlase ka go bo barutabana ba lebagana le bana ba ka nna masome a mane, selo se a reng se imela morutabana. A re puso e ka bo e laola seemo se mme morutabana a itebaganya le bana ba le masome a mabedi le botlhano fela. Mo go tse dingwe Rre Boitshwarelo o ne a tswelela a bua ka go tlhoka tirisanyo mmogo ga komiti ya ditlhabololo tsa motse le bone. A re dikomiti tse, di tshwanetse tsa bereka mmogo le bone ka botlhe e le boeteledipele ja metse ya bone mme e bile ba batla ditlhabololo mo metseng. O ne a kopa khansele potlana ya Serowe gape go sekaseka seemo sa gore motse wa Mmashoro o a gola ka jalo o tlhokana le bo mmaboipelego ba ka nna babedi. A re fa ba ka nna babedi gongwe ba ka thusana tiro e bile ba kgona go anamisa mananeo a nyeletso lehuma sentle. Mokhanselara wa Patikwane Mme Atsenye Kabelo ene e rile a tswa la gagwe, a re letlhoko la ditsela ke kgwetlho e tona kwa kgaolong ya gagwe. Mme Kabelo a re motse wa Paje o kgaogane ka jalo batho ba sokola go tsamaela ntlheng e nngwe ya motse ka go sena ditsela e le mebila fela e e reng ka nako ya dipula e bo e sa tsamaege. O ne a tlatsa ka gore go kilwe ga tshelwa seloko mo ditseleng gotwe di a tokafatswa mme seo se ne sa seka sa dira phetogo epe,a re o ne a kopa gape gore a go ka se tshelwe tsela motlhaba. Mme Kabelo o kopile gore mananeo a tshwana le la ipelegeng ga a dirisiwe sentle, ka ke one a ka bong a thusa go dira ditsela le tse dingwe e seng go tlhola a kgetletse bojang ruri jaaka a bona ba kgaolo ya gagwe ba dira. education 4 Monana o ikgapetse botshelo Motshwarelela Mookamela mapodisi a Masunga, Assistant Superintendent Vincent Tebogo a re batho ba tshwanetse ba kopa bogakolodi mo go ba ba lebaneng fa ba na le mathata, go na le go ikgapela botshelo. Asst Supt Tebogo o ne a bua mo potsolotsong le BOPA morago ga gore lekawana la dingwaga tse di masome mabedi le bosupa la Masunga kwa kgotleng yoo Moloi, le fitlhetsweng le akgega mo dikagong tsa madirelo a gagwe kgwedi eno e le lesome le bone ka nako ya bone maitseboa. A re moswi o ne a nna le tlhoka kutlwisano le mokapelo wa gagwe, mme ya re fa mokapelo a siela kwa mapodising go kopa thuso, ene a bo a itotlelela mo madirelong a dira tiro e e masisi eo. O boletse fa moswi a sa tlogela molaetsa ope, a re fela ditlhotlhomiso tsa bone di tsweletse mme o supa gore tiragalo eo ke ya bobedi go diragala mo metseng e e welang ka fa tlase ga kampa ya bone e sale ngwaga ono o simologa. Mo go tse dingwe, mapodisi a Masunga a tlhotlhomisa tiragalo e nngwe e mo go yone go neng ga utswiwa koloi ya mme mongwe ya Honda Fit kwa Masunga mo bosigong jwa kgwedi eno e le lesome le borataro. Asst Supt Tebogo a re ba ne ba begelwa ka tiragalo eo mo mosong morago ga gore mong wa koloi a fitlhele naga e le tshetlha, fa a tsoga mo mosong. A re e ne ya re mapodisi a latedisa motlhala wa yone, ga supagala e lebile ntlheng ya molelwane wa lefatshe leno le la Zimbabwe, ka jalo a re ba na le dipelaelo tsa gore e ka tswa e tlodiseditswe kwa Zimbabwe. Asst Supt Tebogo o ne a ikuela mo go beng ba dikoloi go leka bojotlhe go di tsenya didirisiwa tse di ka ba tlhagisang fa go diragala tiragalo nngwe kgotsa tsa tshosa magodu. O ne a bo a kopa batho go nna ba begela mapodisi ka metsamao ya ba ba ba belaelang mo tikologong ya bone, a tlhalosa fa mofuta wa tiragalo e, e le wa bobedi go diragala mo ngwageng ono, mo kgaolong ya bone ya sepodisi mme ditlhotlhomiso tsone di santse di tsweletse mabapi le ditiragalo tseo. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Mokhanselara wa pele wa Lotlhakane o fitlhwa ka Matlhatso Mokhanselara wa pele wa phathi ya Umbrella for Democratic Change (UDC), wa kgaolwana ya Lotlhakane East Rre Donald Habana o tlaa bolokwa kwa Lotlhakane East ka moso. Rre Habana o tlhokafetse kgwedi eno ele lesome le bofera bongwe a sena go lwala ka bokhutshwane, mme o tlhokafala a le dingwaga di le masome a supa le motso. Se se rurifaditswe ke morwawe Rre Onalenna Habana mo potsolostsong. A re rraagwe o tsene mo sepolotiking ka ngwaga wa 2004, mme a emela ditlhopho tsa setshaba tsa bokhanselara mo kgaolwaneng ya Lotlhakane East ka boloko jwa phathi ya Botswana National Front, mme a di fenya. O ne a emela ditlhopho tsa setshaba gape ka ngwaga 2009, mme a tswelela a fenya, go fitlha a latlhegelwa mo ditlhophong tsa 2014. Onalenna a re Rre Habana o ne gape a bula kgwebo ya Opimax First Aid training, a rutuntsha batho ka tsa thuso ya potlako. A re o ne a dira tiro eo botswerere ka jaana e ne e re le fa a sa tsoga sentle a tswelele fela ka go dira tiro. A re pele ga Rre Habana a inaakanya le tsa sepolotiki, o berekile kwa lephateng la ga molaodi e le moranodi, a berekela kwa sekoleng se segolwane sa Itireleng kwa Lobatse ele morutabana, le kwa go se segolwane sa Setlalekgosi kwa Francistown e ntse ele morutabana. Rre Habana o dirile dithuto tsa gagwe tse dipotlana kwa sekoleng sa Tonota, a tsweledisa tse dikgolwane kwa sekoleng sa Mater Spei, mme a tsweledisa tse dikgolwane tsa Form five ka go itsenya sekole sa di tlhaeletsanyo. Moswi o tlogela mosadi le bana ba le bane, borre ba babedi le bomme ba babedi le batsalwa nae ba le bane. politics 7 Go tlhaba go tlhoka teseletso Barui ba meraka e e mo tikologong ya Mmatshumu ba gakolotswe go emisa go tlhaba le go rekisa nama ya leruo le le sa fiwang teseletso. Kgalemo e ntshitswe ke Kgosi Keletshwaretse Phetsogang wa Mmatshumu mo potsolotsong bosheng a supa fa leruo le le bolawang mong wa lone a sa fiwa teseletso le gone le tlhabelwa mo mafelong a a sa rebolwang ka fa molaong go kgoreletsa maiteko a go lwantsha bogodu jwa loruo. Kgosi Phetsogang o supile gore jaaka moeteledipele gape tiro ya gagwe e le go rarabolola dikgang tse di akaretsang tse di amang leruo, o bona go le botlhokwa go tsibosa morafe ka seemo se a bonang se golela pele e bile se tsamaela go humanegisa barui. O supile gore dipalo tsa dikgomo tse di tlhabelwang kwa merakeng le mo nageng le gone di sa tlhatlhojwa go tlhomamisa gore di siametse go jewa di a oketsega, ka jalo go tsisa dipelaelo tsa gore bangwe ba setse ba itseela le tse e seng tsa bone. Kgosi Phetsogang o gakolotse morafe wa Mmatshumu go emisa go reka nama e e rekisiwang mo mekgwatheng le gone ba sena bosupi jwa gore seruiwa se se tlhabilweng se kwadisitswe ka fa molaong. O tlhalositse gape gore go reka nama mo lefelong le le sa kwadisiwang ke molato, a tlatsa ka go re ope yoo ka bonang bangwe ba rekisa nama mo motseng a lome mapodise tsebe. O gateletse gape gore le fa gone ba tlhaelelwa ke didirisiwa jaaka dikoloi tse di ka ba thusang go fefoga go lwantsha seemo se, mapodise a tshwanetse a eme ka dinao a bula matlho go lwantsha borukutlhi jo. Kgosi Phetsogang a re bosheng mongwe wa barui o ne a tla go ikuela mo kgotleng dikgomo tsa gagwe tse pedi di gobaditswe ka sengwe se se bogale mme seo se tsisa dipelaelo tsa gore di falotse ka bobi jwa segokgo mo matsogong a magodu. A re dipelaelo ke gore ba ba tlhabang dikgomo ba se na diteseletso ba ka tswa ba bonye mmaraka wa nama o o nonneng mo mafelong mangwe gaufi le Mmatshumu. A re dikgang tsa bogodu jwa loruo di tsweletse ka go gola ka gore barui ba nna ba lela ka gore diruiwa di nyelela ka tsela e ba sa e tlwaelang. Kgosi Phetsogang a re go na le bangwe ba ba bonalang mo merakeng ba palama dipitse ba supa fa ba le mo motlhaleng wa loruo lwa bone lo lo timetseng mme bangwe ba bone ba belaesega e le magodu. Le fa go ntse jalo, Kgosi Phetsogang o gakolotse barui go itse loruo lwa bone ka matshwao le mebala e seng dipalo fela le gone go tiisa tlhokomelo ya lone ka gore bangwe ba lemoga morago ga lobaka fa loruo lo sa bonale bosupi bo setse bo timetse. Kgosi Phetsogang a re le fa go na le komiti e e itebagantseng le go lwantsha bogodu jwa loruo, go lebega e sa dire tiro ya yone sentle ka e tlhaela bogakolodi le thotloetso ya mapodise a a tshwanetseng go bereka le yone. A re seemo se tlaa dira gore matshelo a banni ba Mmatshumu ba ba ikaegileng ka loruo a wele tlase, a supa gore beng ba loruo lo lo nyelelang ke ba ba thusitsweng ka mananeo a puso jaaka la nyeletso lehuma, la banana le la LIMID go rua dihutshane gore ba kgone go itshetsa ba sa ikaega ka puso. E rile a tsibogela seemo se mookamedi wa mapodise a Letlhakane, Superintendent Robert Mack a supa fa ba bereka ba tshwaragane le setshaba go lwantsha bogodu jwa loruo. Supt Mack o supile gore mo kgaolong ya gagwe dikgang tsa bogodu jwa loruo di tshwenya thata mo Letlhakane, a tlatsa ka gore tlhaloso ya gagwe ga se go tshwaya phoso gore banni ba Mmatshumu ba tshwenngwa ke magodu. Rre Mack o kopile morafe go itsese mapodise ka nako gore dikgang tse di kgone go tlhotlhomisiwa go sale nako. E rile a itebaganya le komiti ya Anti Stock Theft e e tlhamilweng ka barui le mapodisi o ne a supa fa e le nngwe ya methale e e dirisiwang go lwantsha borukutlhi. O kopile morafe go dirisana le komiti go tlhotlhomisa motsamao ya batho e ba bonang e belaesega. A re kgang nngwe le nngwe e e begelwang mapodise e tlaa tlhotlhomisiwa ka tlhoafalo. Bokhutlo society 9 Setshwarwa ke ntsa pedi... Bagwebi ba phane kwa kgaolong ya Mmadinare ba re ba lemogile fa go le botlhokwa gore ba ikopanye. Ba sweditse jalo mo diphuthegong tse di neng di tshwerwe ke tona wa papadi le madirelo, Mme Dorcas Makgato-Malesukwa Mogapi le Maokatumo bosheng.Ba boletse fa go sa kopaneng ga bone go sa siama ka jaana mongwe le mongwe a ipeela tlhwatlhwa ya gagwe. Ba supa fa ba lemogile gore bareki ba ba ja ntsoma, ka jalo ba patelesega go diga ditlhwatlhwa, dipoelo di bo di wela tlase.Ba lemogile fa ba itlhabile ka thipa mpeng ka go sa tseye kgakololo ya kgosi gore ba rekisetse golo go le gongwe, ba dumalane ka ditlhwatlhwa. Bangwe ba bone ba boletse fa kgaolo ya Kgagodi e oka batho ba le bantsi ka phane e ntsi kwa mme ba ka godisa bojanala kwa motseng wa bone.A re batho ba tswa kgakala le kwa Afrika Borwa go tla go bapala le go reka phane, mme ba ka bona dipoelo tse dintsi fa ba ka tsena mo mhameng wa bojanala. Kgosi Ismael Ditsela wa Mogapi o ne a supa matshwenyego ka batho ba ba tswang kwa dikgaolong di sele ba ba bapalang phane a re ba tsisa mathata mo motseng oo ka go sa saleng melao ya go bapala phane morago. O file sekai sa gore bangwe ba bone ba kgotlela tikologo fa ba nna mo sekgweng go se na matlwana a boitiketso e bile ba tlhapela mo letamong le ba nosang mo go lone. Tona wa tsa papadi le madirelo, Mme Makgato-Malesu o ne a tlhalosa fa puso e ka seka ya baya tlhwatlhwa ya phane ka e le selo se se dirwang ke mebaraka. O tsweletse a re e re ntswa Motswana a na le thata ya go bapala phane kwa a eletsang teng, tsamaiso ke gore ba ipege mo bogoging jwa motse o ba bapalang phane mo go one.A re batho ba tshwanetse ba tlhokomela tikologo ka go e tlogela jaaka ba e fitlhetse. Rre Wazha Lucas wa lephata la dikgwa le tlhokomelo ya di-tsa-tlholego kwa Serowe o tlhalositse fa ba nnile le mathata a go fa batho diteseletso tsa go bapala phane ka ba ne ba sa itse fa ba tlaa nna bantsi. O gakolotse banni ba Mogapi go ipopa mme ba dire mokgatlho o o tshwanang le e e dirilweng ke merafe e e nnang gaufi le mafelo a bojanala gore ba tle ba bone dipoelo ka ba ka kgethisa mongwe le mongwe yo o bapalang phane mo thoteng ya bone. economy_business_and_finance 3 Mogokgo wa Dutlwe o leboga batsadi Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Dutlwe kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Rre Felix Bogosi a re tshwaragano le tirisano mmogo ya batsadi le barutabana e tokafaditse maduo a baithuti fela thata. Fa a bua kwa moletlong wa go tsamaisa sentle baithuti ba ba sa tswang go fetsa lokwalo lwa bosupa bosheng, Rre Bogosi a re ba itumelela seabe le tlhotloetso e batsadi ba motse oo ba e supang tebang le dithuto tsa bana ba bone. Rre Bogosi a re e ne ya re ka ngwaga wa 2011, sekole seo se bo se sa dire sentle gotlhelele mme ba thulanya ditlhogo le batsadi go bona gore bothata e ka tswa e le eng. A re batsadi ba ne ba itlama go tshwaragana le barutabana go leka go tsholetsa maduo, ka le bone ba ne ba tshwenyegile fela thata. A re ba ne ba simolola go tshologela ka makatlanamane diphuthego tsa batsadi le barutabana go tla go amogana le barutabana dikgwetlho tse bana ba nang natso, fa bangwe ba ne ba kgona go etela sekole ntle le taletso go tla go lekola dithuto tsa bana. Rre Bogosi a re maduo a ne a tokafala ka ponyo ya leitlho mme e bile a supa fa ba solofetse maduo a a nametsang monongwaga. A re ka ngwaga wa 2011 bana ba lokwalo lwa bosupa ba ne ba fentse ka selekanyo sa 29 mo lekgolong, 2012 ya nna 33% mme maduo a ne a tsholetsega fela thata mo ngwageng o o fetileng fa ba pagamela kwa go 79 mo lekgolong. E ne ya re a tswa la gagwe, morutabana wa baithuti ba lokwalo lwa bosupa, Rre Tebogo Dikgopo o tlhalosa fa a itumedisitswe ke baithuti ba gagwe ka go bo ba ne ba tsena sekolo sentle ebile ba kgalemelesega, mme a supa fa seo se kgonagetse ka mabaka a gore batsadi ba ne ba rotloeletsa bana go ikanya tota. O tlhalositse fa ba kgonne go dira go le gontsi ka ntlha ya kemonokeng ya batsadi, mme a ba kgothatsa gore e seka ya re ka lengwe la malatsi ba kgojwa ke sengwe marapo ka gonne thuto ke yone bokamoso jwa bana ba bone. Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Otsile Kgogwane le ene o ne a lebogela kemonokeng ya batsadi mme a supa fa komiti ya gagwe e ipelafatsa ka batsadi ka a re ba kgona go ithaopela go dira ditiro dingwe mo sekoleng ntle le dituelo. Morutabana wa dithuto tsa bogakolodi le tshidilo maikutlo kwa sekoleng se segolwane sa Mahupu kwa Takatokwane, Rre Muniovandu Kandjou o ne a gakolola baithuti go tswelela ba itshwara ka maitsholo a a eletsegang fa ba goroga kwa dikoleng tse dikgolwane. O ne a ba gakolola gore ba seka ba ikamanya le dikgang tsa botlhokatsebe di tshwana le go tlhakanela dikobo ba sa le babotlana ka go ka baka gore ba ime mme ba senyegelwe ke sekole. education 4 Banana ba itshetsa ka ditalente Banana ba Mathangwane ba akgoletswe go bo ba tsweletse ka go supa boikarabelo ka matshelo a bone ka bontsi jwa bone bo sa nna fela ka mowa wa boitlhobogo, e bile bo sa inaakanya le dinotagi kgotsa ditiro tse di rotloetsang borukutlhi. Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Itekeng Mathangwane o boletse gore le ntswa bontsi jwa banana bo lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la ditiro, se se mo itumedisang ke gore kwa motseng wa gagwe banana ba dira maano a ba ka itshetsang ka one a a amogelesegang. Kgosi Mathangwane o supile fa banana ba ipopile ditlhopha go ya ka ditalente tsa bone tse di akaretsang tsa kgwele ya dinao, bolotloa, moopelo, poko le metshameko ka go farologana fa bangwe bone ba inaakantse le tsa kgwebo. O tlhalositse gore ka ditlhopha tse, banana ba supile mowa wa tshwaragano le go dira mmogo le gone go abelana megopolo. O tsweletse a supa fa go tle go nne le dikgaisano tsa ditlhopha tse, e bile gape di tle di fiwe sebaka sa go diragatsa fa go na le ditiro di tshwana le manyalo, kabo dietsele kwa dikoleng kgotsa mo diphuthegong tsa kgotla mme ere morago ba lebogwe ka sengwenyana. Go sale foo, Kgosi Mathangwane o kopile setshaba go rotloetsa banana gore ba supe ditalente tsa bone, a supa fa go dira jalo ele tsela nngwe e e ka thusang banana go ikgapha mo ditirong tse di sa amogelesegeng. O bile a gwetlha banana go tswelela ba batla methale e ba ka itshetsang ka yone le gone go itirela bokamoso jo bo kgatlhisang. A re ere ka jaana e le bone baeteledipele ba kamoso, go botlhokwa gore ba nne le tebelopele le boikarabelo, a tlatsa ka gore go tlhoka go atlega mo go tswelediseng dithuto kgotsa go bona ditiro tse di rileng, ga go a tshwanela go nna sekgoreletsi mo go fitlheleleng ditoro tsa bone. Kgosi Mathangwane o galaleditse banana ba motse oo ba ba ileng dikoleng tse dikgolwane tsa ithutelo ditiro le bangwe ba ba mo ditirong kwa mafelong a a farologaneng, a tlhalosa fa se se botlhokwa ele go dira ka natla go tsholetsa serodumo sa motse wa bone. BOKHUTLO society 9 Korobela e apesitse Bokspits kobo ka letshoba Barui ba dikoko ba Bokspits kwa kgaolong ya Kgalagadi, ba lela sa khuranyo ya meno morago ga gore ba latlhegelwe ke dikoko tsa bone ntateng ya bolwetse jwa korobela. Rre Hendricks Rautenbach, mongwe wa bagwebi, a re e ne e le mahutsana fela go bona a tshwanelwa ke go katela makgolokgolo a dikoko tsa gagwe. A re se ke tiragalo e e iseng e mo diragalele mo kgwebong e. “Ke ne ke na le dikoko di ka feta makgolo a mararo mme tsa a swa tsotlhe. Ke lekile ka ditsela tsotlhe go di sireletsa ga pala,” a tlhalosa. O boletse gore e rile tsa ntlha di simolola go supa dikai tsa bolwetse ba leka go di tlhaola mo go tse dingwe mme se se ne sa seka sa thusa sepe ka e rile kwa pheletsong dikoko tsotlhe tsa a swa. Rre Rautenbach o boletse fa se e nnile poelo morago fela thata ka go sena sepe se se mo saletseng. O ne a tswelela a tlhalosa gore o ne a rekisa dikoko tse go itshetsa e bile a ne a na le mogopolo wa go di oketsa ka lengwe la mananeo a puso. Mme Sophia Steenkamp o boletse fa go latlhegelwa ke dikoko tsa bone e le poelo morago e kgolo fela thata. “Ke ne ke rekisa mae a tsone le gone go rekisetsa ba ba batlang go tlhaba ka jalo tatlhegelo e ke poelo morago ka ke setse ke iphotlhere.” O ne a tswelela ka go tlhalosa gore se se botlhoko thata ka kgang e ke gore ga ba kgone go bona thuso. A re ba lekile go ikopanya le ba ofisi ya temo-thuo go kopa dikgakololo ka se ba ka se dirang mme ba fitlhela matlotla. Mme Steenkamp o ne a tlhalosa gore dikoko di simolola ka go nna le botala mo tlhogong mme e re go tswa foo di bo di korobela go fitlhela di swa. A re o setse a latlhegetswe ke palo e e fetileng masome mabedi. A re ba lekile go thulanya ditlhogo ka kalafi e ba ka e dirisang mme ga seka ga thusa sepe. O ne a tlhalosa gore ko LAC le gone ga ba kgone go reka sepe ka go nna go tswetswe. Mme Steenkamp a re go tswalwa kgapetsa kgapetsa ga LAC ke nngwe ya dikgwetlho tse ba kopanang le tsone e le barui mo kgaolong. health 6 Lenaneo la go abela dikgaolo madi ke la nakwana - Molefe Banni ba Mahalapye Bophirima ba tlhaloseditswe mo diphuthegong tsa kgotla gore lenaneo la go abela dikgaolo tsa botlhophi P10m ke la nakwana mme le tlaa wela morago ga dingwaga tse tharo. Tlhaloso e, e dirilwe ke mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefe mo diphuthegong tsa kgotla tse di tsweletseng mo kgaolong ya gagwe ya botlhophi. A re P10m o tlaa dirisiwa go kaba diphatlha tse di tlogetsweng ke mananeo a mangwe a ditlhabololo. O supile gape gore lenaneo le, ga le a tla go emisetsa mananeo a mangwe a go dira ditlhabololo. Rre Molefe a re ditiro tsa ditlhabololo tse di akanyeditsweng go dirwa ka lenaneo la ditlhabololo la setshaba (National Development Plan) le la dikgaolo (District Development Plan) di tlaa dirwa jaaka di rulagantswe. Rre Molefe a re mo Mahalapye Bophirima, P10m o tlaa dirisediwa ditiro tsa ditlhabololo di le lesome le bosupa di akaretsa magareng ga tse dingwe go agwa ga maobo a dikgotlana tse tharo mo Mahalapye e leng tsa Parwe, Mahalapye West le Dilaene 2, go tsenya moalo wa ditena mo ditseleng tse di ralalang motse di le thataro le go tsenya dipone tse di dirisang marang a letsatsi. Le fa go ne di ise di simolole, Rre Molefe a re maikaelelo ke gore di wele pele ga ngwaga wa madi o wela. Mo go tse dingwe tsa mananeo a ditlhabololo, Mopalamente Molefe o supile gore mafaratlhatlha a go tokafatsa le go atolosa phatlalatso ya metsi mo Mahalapye a wetse, e bile konteraka e setse e roletse ba koporase ya metsi se ba se dirileng. Mopalamente a re tiro eo e ne e akaretsa go tsenya diphaephe tse disha, go oketsa tanka ya metsi gore Mahalapye a nne le metsi a a lekaneng go tsena ka ngwaga wa 2035. O supile gape gore tiro eo e tlaa thusa go fokotsa metsi a a ntseng a senyega ka mabaka a diphaephe tse di dutlang. O supile gape gore nngwe ya ditiro tse di weditsweng ke go shafadiwa ga diofisi tsa mapodisi tse dikgologolo mo Mahalapye. Rre Molefe a re tiro eo e tla thusa gore dipalo tsa mapodisi di oketsege gore ba tle ba leke go lwantsha dikgang tsa borukuthi tse di tshwenyang mo Mahalapye. Mopalamente Molefe o tlhaloseditse banni ba Mahalapye gore kago ya maemelo a dibese e solofetswe go dirwa mo ngwageng wa madi wa 2018/2019 le mafaratlhatlha a diphaephe le mesele e e laolang metsi a pula go itsa merwalela mo malwapeng. Banni ba ne ba lekodisa Mopalamente gore ba tshwenngwa ke seemo sa borukutlhi jwa leruo le gore mo nakong eno Mahalapye o na le mafelo a a letlelelwang go tlhaba dikgomo a le mantsi, ka jalo ba na le pelaelo ya gore seemo seo se ka nna le seabe mo go gakatseng bogodu jwa leruo. Ba supile botlhokwa jwa gore go agwe matlhabelo a a tlaa laolwang ke khansele. E rile a tsibogela kgang e, Rre Molefe a dumalana le bone mme a re kgakololo e e ntshitsweng ke gore khansele e eletsa go tshwaraganela tiro ya go tsamaisa matlhabelo le bagwebi ba ba ikemetseng. A re mo nakong eno go na le mafelo a beng a a tlhatlhobilweng, e bile a filwe tetla ya go tlhaba dikgomo di le lesome le boroba bongwe mo Mahalapye. A re kgang kgolo ke gore bogodu jwa leruo bo a tshwenya, ka jalo maikaelelo a go dira matlhabelo ke go leka go laola seemo se. Rre Molefe o ne gape a itsese morafe gore le fa terena ya setshaba e buseditswe mo tseleng, maemelo a terena mo Mahalapye ke mangwe a a seng mo tirisong. O tlhalositse gore tsholofelo ke gore maemelo a terena mo Mahalapye a baakanngwe mo ngwageng wa madi o o tlang. Mopalamente Molefe o supile gape gore ditiro tsa go tokafatsa dikago tsa dikole jaaka sa Fredrick Maherero le go atolosa kokelwana ya Madiba, di tlaa dirwa ka madi a a ntshitsweng ka lenaneo la go rudisa itsholelo. A re go shafadiwa ga dikago tsa sekole se sebotlana sa Mowana go ne ga emisiwa ke mathata a yo a neng a abetswe go dira tiro eo, ka jalo go tlaa batlwa konteraka e nngwe go tsweledisa tiro. BOKHUTLO politics 7 Dikgomo tsa Werda di motwa ke lenyora Barui ba motse wa Werda ba bone go se gontle morago ga gore motse wa bone o welwe ke seru sa letlhoko la metsi, selo sese dirileng gore ba latlhegelwe ke leruo la bone. Barui ba baikopanyi ba sediba sa Mathumpunyana bare se seba diragaletseng gaba ise base bone fa e sale ba simolola go dirisa sediba seo. Ene yare fa BOPA e tsena kwa Sedibeng seo ba kgatlhantshiwa ke dikgomo tsedi suleng mme barui ba supa fa ba setse ba latlhegetswe ke dikgomo di feta lesome le boraro. Ba supile fa sediba seo base filwe ke puso mme ba ntse ba dirisa enjene mme fa e sale ba simolola go dirisa motlakase wa marang a letsatsi bosheng ba itemogetse letlhoko la metsi a leruo. Mongwe wa barui bao Rre Ivan Mc Kenzie o supile gore ere le ntswa ba ntse ban a le mathata a letlhoko la metsi, maranyane a masha aba apesitse kobo ka letshoba. Are a kabo a siame jaanong mathata ke gore pompo eba e dirisang ga e pompe metsi a mantsi ebile ha letsatsi le seo maranyane ao gaa kgone go pompa metsi. O supile faba latlhegetswe ke dikgomo tse dintsi mme sebe sa phiri ele gore gaba itse dipalo ka gore dikgomo tse dingwe di swela mo sekgweng. Rre Phenyoyaone Ross are fae sale maranyane a letsatsi a tsenngwa ba itemogetse gore gona le dikgomo tse dintsi tsedi nwang mo Sedibeng sa bone. O boletse fa ba na le letshogo la gore baka nna ba latlhegelwa ke dikgomo tse dintsi fa seemo seo seka seke se tsibogelwe ka bonako. Fa atswa la gagwe mookamedi wa lephata la temo-thuo mo Kgalagadi Rre Nkaigwa Joel o boletse faa itse mathata a barui baba nosang mo seding seo mme a tlhalosa gore rakonteraka yoo neng a tsenya maranyane ao o supile faa tla netefatsa gore seemo se boela mo maemong ka nako e esa hediseng pelo. Are go Maswabi gore barui abo ba iphitlhela leruo la bone le sule ka jaana puso ene ere e leka go batswa thuso gore ba nose leruo la bone ntle le ditshenyegelo dipe. Kgosi wa motse oo Kgosi Keleofile Phihadu le ene o ne a dumalana le barui gore seru seo kesa ntlha base bona fae sale ba simolola go dirisa sediba seo. O supile fa aka itumela fa rakonteraka aka netefatsa fa barui ba motse wa gagwe ba bona metsi jaaka ba ntse baa bona a tlatsa ka gore gaa batle go bona morafe wa motse wa gagwe o sotlega ka jaana kgomo ele yone botshelo jwa Motswana. society 9 Badiri ba Matsaakgang ba aba ntlwana Bodiredi jwa sekole se sebotlana sa Matsaakgang kwa Kanye bo abetse ba lelwapa la ga Mme Dimakatso Maruping ntlwana ya boitiketso. Fa a bua ka letsatsi la kabo ya ntlwana, mogokgo Rre Seetletso Moroka o tlhalositse fa ba bone go tshwanela go fetola botshelo jwa boora Maruping le go ba fa seriti ka go ba agela ntlwana ya boitiketso. O tlhalositse fa babereki ba sekoloe se ba ne ba kopanya ditlhogo mme ba tswa ka mogopolo wa go kokoanya madi, go ka dira tiro e. Rre Moroka o kaile fa ba tlhotlheleditswe ke mowa wa bopelotlhomogi le lerato mo setshabeng go ka dira tiro e. O kaile fa ba na le motlhala o o nonofileng wa go aba mme maikaelelo a bone ke go tswelela ba tsenya letsogo go supa bopelotlhomogi. A re o lebogela tirisanyo mmogo e mo gareng ga bodiredi jwa sekole sa gagwe, lerato le seabe sa bone mo tirong e, a ba kopa go tswelela ba thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Fa a tswa la gagwe, morutabana wa bokaedi le bogakolodi, Mme Naomi Sebitla o tlhalositse fa sekolo sa Matsaakgang se na le dingwaga di le mmalwa se inaakantse le go fetola matshelo a batho mo sechabeng ka go aba. O tlhalositse fa ba ikamantse thata le ba komiti ya ditlhabolo ya Dilolwe ga mmogo le ba ofisi ya boipelego, ka go ba thusa le go ba lemotsha ka batho b aba amiweng ke letlhokon mo sechabeng. A re ba ne ba lemoga matlhoki a le mmalwanyana jaaka la pompo ya metsi mme bone ba ne ba ithaopela go itebaganya le letlhoko la ntlwana ya boitiketso. O kaile fa kago ya ntlwana e e tsamaile ka thelelo ntle le makgwere ape ka ba ne ba thusiwa ke ba kereke ya The Church of Jesus Christ ka go tsenya diatla. A re o akgola bodiredi jwa sekole go bo ba file boora Maruping seriti, a tlhalosa fa ba ikaelela go tswelela ba fetola matshelo a batho ba ba mo tikologong ya bone. BOKHUTLO society 9 Go itlhatlhoba mmogo go molemo Moeteledipele wa Tebelopele Voluntary Counselling and Testing Centre, Rre Leach Lebakeng o galaleditse baratani ba ba neng ba phuthaganetse kwa moletlong wa dijo tsa maitseboa tsa baratani go bo ba kgonne go itlhatlhoba mmogo. O tlhalositse gore batho ba ba itlhatlhobang e le bakapelo ba boutsana. Rre Lebakeng o kaile fa dipalo tsa batho ba ba itlhatlhobelang HIV e se tse di nametsang mo Tsabong, a re ke sone se ba boneng go le botlhokwa gore ba rotloetse bakapelo go itlhatlhoba mmogo. O ne a tlhalosa gore ba ofisi ya Tebelopele le ya ga molaodi ba itlamile go tswa ka ditselana tse di ka thusang go tsibosa bakapelo ka mosola wa go itlhatlhoba mmogo, ke ka moo ba neng ba rulaganya selalelo. Fa a ntsha la gagwe, molaodi wa kgaolo Rre Patrick Issac o ne a ntsha mafoko a kgothatso ka go kopa baratani go tsaya malwapa a bone ka tlhoafalo ka go tlhomamisa fa go buisana e le seikokotlelo sa bone mo leratong le go amogela seemo sa bakapelo ba bone. Rre Issac o supile fa go itlhatlhoba mmogo go supa fa go na le lerato mo barataning gape ba na le maikemisetso a magolo mo botshelong. O ne a rotloetsa baratani gore ba tsee kgato e e lebanyeng e bile e le kgolo thata mo matshelong a baratani ya go nyalana ka go supa tlhwoafalo mo bathong mme gape ba eteleditse Modimo kwa pele mo malapeng a bone. Molaodi o ne a gakolola baratani gore ba itse gore go buisana ke selo se se botlhokwa mo leratong. Mme Tebogo Sethoka o ne a supa fa go ratana e le selo se batho ba se itlhophelang, ka jalo ba sa tshwanela go nna le dikgotlhang tse di se nang boleng. O kopile baratani, bogolo jang banana go itshoka ka e le selo se se botlhokwa thata fa ba batla go ya kgakala mo leratong, bogolo jang fa maduo a tebelopele a farologana. Mme Sethoka o rotloeditse banyalani go tlotla malwapa a bone ka gore maitsholo a mantle a tsala dilo tse dintle mo botshelong. O tlhalositse gore ba tshwanetse go baya tshepho mo Modimong ka jaana e le ene motlhodi wa sengwe le sengwe mme ba emane nokeng ka dinako tsotlhe go sa kgathalesege gore maduo a ntse jang. Baratani ba ba itlhatlhobetseng mogare mmogo ba le masome mane ba ne ba abelwa dimpho. BOKHUTLO health 6 Segotsi o bolotsa letsema E ne ya re bosheng kgotla kgolo ya motse wa Mahalapye ya bo e tletse, mo e neng e penologa jaaka morafe o ne o tshologile pitso ya kgosi ya go tla go bolotsa letsema. Kgosi Duncan Segotsi a re ke ngwao ya Sengwato gore e re kgwedi ya Lwetse e simolola kgosi a bitse morafe go ba rebola go letela dipula le temo kwa masimo le go ba lemotsha fa nako ya go ipaakanyetsa temo e gorogile. A re ka go twe ‘mosele wa pula o epiwa go sale gale’, ba tshwanelwa ke go re ba tswe mo magaeng a bone mme ba ye kwa masimong, ba fete ba rulele matlo, a a weleng ba a tsose, ba agelele masimo gore ba seka ba tla ba dika ba tshwentswe ke leruo; babo ba epe le disana le makabu go phepafatsa masimo a bone gore ba nne ba le malalaalaotswe jaaka ba tlaabo ba letile dipula. Kgosi Segotsi a re bone e le ba bogosi fa paka e e fitlhile ba tswalela ditsheko tse dingwe ba sale fela ka tsa borukutlhi, a tlhalosa fa tse dingwe ba di bulela fela jaaka go tla abo go ribegwa megoma. O kaile fa a itumeletse thata tshologelo e letsema la monongwaga le e boneng, a re go pharologano fela thata le mo dingwageng tse di fetileng. A re go a itumedisa thata go bona baruti ba diphuthego ka go farologana ba tsene tirelo e le go tla go baya morafe fa pele ga ga Ramasedi le go rapelela pula. Kgosi Segotsi a re mo go tlhapisang pelo le go feta ke go bo mo ngwageng o, batho ba ne ba tla ba sa iphotlhara go supa fa ruri ngwaga o ene ele o o mo namagadi. Batsenelela tirelo e ba ne ba tla ba tshotse ka ditlatlana dipeo ka mefuta di akaretsa letlhodi, dinawa, mmidi, ditloo, maphutshe, mabele le tse dingwe. O tsweletse ka go tlhalosa fa tshologelo e gape ele sone sekao sa gore morafe wa Mahalapye o sa ntse o tshegeditse ngwao. Rre Segotsi a re dipeo tse ba di lerileng ke tsone tshupo ya gore kwa masimong go diriwa eng ka peo e le yone go lengwang ka yone. O kaile fa kapari ya setso ya mateisi e supa ngwao, ka gore go ya kafa ngwaong bomme ba tshwanelwa ke go tla ba apere mesese, ba rwele ditukwi e bile ba beile ditjale fa ba tsena mo kgotleng. O kgothaditse banana go iketsha kwa morago ka ditiro tsa motlhale o di sa ame botsadi bo le nosi, a tlatsa ka go tlhalosa fa di ata ka marole, ka jalo banana ele bone bogogi jwa kamoso mme e bile ba sa tshwanelwa ke go latlhegelwa ke ngwao. Go bolotswa ga letsema gone go akaretsa thapelo ya pula e e faphegileng. Bomme le borre ba ne ba supa fa ba itumeletse thebolo ya kgosi go ya go ipaakanyetsa temo ka megolokwane le melodi mme ba bolola go gopola kwa masimong. Bokhutlo arts_culture_entertainment_and_media 0 Ba kopa go katolosediwa kokelwana Kgosi Makgabana Tsiane wa Takatokwane o kopile gore motse o katolosediwe kokelwana. O dirile kopo eo kwa bokopanong jwa botsogo, jo maikaelelo magolo a jone e neng e le go tlhalosetsa ba-na-seabe ka diphetogo tse di kwa kokelwaneng ya Takatokwane. Kgosi Tsiane o tlhalositse fa ba kile ba solofediwa gore kokelwana eo e tlaa okediwa, mme jaanong go se nko e tswang lemina. O kopile gape gore fa kokelwana e okediwa, go agwe le matlo a baoki. Mogolwane wa kokelwana eo, Mme Alice Motshegwa, o ne a tlhalosa fa e rile ngwaga ono o simologa ba rutintshiwa ka go dirisa ditlamelo tse di kabakantsweng, mme morago ba di isa kwa baeteledi peleng ba motse. O tlhalositse fa ba ne ba golaganya dikomiti tsa motse ka go farologana, dingaka tsa setso, baruti le mapodisi, go ba tlhalosetsa ka tsamaiso e ntsha le diphetogo tse di tlaa bonwang kwa kokelwaneng eo. O boletse fa ba a fa ditirelo tse di feletseng jaaka tshidilo maikutlo, go itlhatlhoba le go fa melemo mo lefelong le le lengwe, a tlhalosa fa go ne go le bokete fa ba simolola mme ba ne ba tlhofofalediwa dilo ke go tshwaragana le ba BONELA, BOCAIP le ACHAP. Mme Motshegwa o tlhalositse fa gape ba isa ditlamelo kwa mafelong a tshwana le Tsetseng le Khekhenye le kwa bathong ba ba nnang kwa diromamowa di sa tshwareng teng jaaka Maseru le meraka e e dikologileng Takatokwane. Mokwaledi mogolo wa lephata la botsogo Mme Ruth Maphorisa, o ne a supa fa e se gantsi badiri ba lephata la botsogo ba buiwa bontle, mme mme a itumelela gore baeteledipele ba ba bua bontle, a re se se supa gore e le ruri ba dira sengwe se se pharologanyo. Mme Maphorisa o supile gore motho ga a a tshwanela go kanokwa pele ga a fiwa thuso, mme o tshwanetse go thusiwa go lebilwe letlhoko la gagwe ka nako eo. O akgoletse badiri ba kokelwana ya Takatokwane tiro e ntle e ba e dirang, a bo a ba kopa gore mo legatong le le tlang, ba sekaseke gore bana ba ba iseng ba wetse dingwaga tse tlhano, mme ba tsena sekole, ba latelwe kwa dikoleng go ya go kalelwa teng. O ba kopile gore fa ba kgaoganya ditiro, ba lebelele gore balwetse ba tla jang kwa kokelong, a supa fa Batswana ba dumela thata mo go direng dilo mo mosong. Fa a itebaganya le ya ga kgosi, o ne a supa fa katoloso ya kokelwana e santse e le teng, a supa fa lephata le ne le akantse go aga dikokelwana di le lesome le botlhano ka ngwaga, mme ka ntlha ya tlhaelo ya madi, ba kgona go aga di supa fela. O tlhalositse fa ba emetse kgaoganyo ya madi a ngwaga e e tlang go bona gore a a tlaa ba letlelela go e dira ka lenaneo la ESP. ENDS health 6 Lephata le tlaa fefosa dituelo tsa ISPAAD Mokwaledi wa lephata la Tlhabololo Temo-thuo le Tlhomamiso Dijo, Rre Jimmy Opelo, a re seemo sa dituelo tsa lenaneo la ISPAAD se tlaa tokafala. Fa a rolela komiti ya palamente ya madi a setshaba (PAC) pego bosheng, Rre Opelo o tlhalositse fa lephata la gagwe le diegile go duela balemi bangwe, selo se a reng se bakilwe ke dituelo tse di neng di dirwa fela kwa ofising kgolo ya lephata. A re go tokafatsa le go fefosa dituelo, dikgaolo jaanong di na le matlole a madi go duela balemi kwa mafelong a bone. Rre Opelo a re ba lemogile seemo sa tiego mo dikgaolong dingwe, mme ba tlaa ema ka dinao go fefosa dituelo tse di neng di saletse kwa morago. O ne a tlatsa ka gore dikgaolo tse di feletsweng ke madi di ne tsa thusiwa gape ka madi a tlaleletso Mo go tse dingwe, Rre Opelo o tlhalositse fa lenaneo la ISPAAD le tumile thata mo go bomme fa go tshwantshanngwa le borre. A re nngwe ya tse di amang seo e ka nna gore borre ba bantsi thata kwa oditirong tsa diofisi. O ne gape a re bontsi jwa bomme mo mananeong a temo thuo bo lemogiwa le mo mafatsheng mangwe a bapileng le Botswana. Mo go tse dingwe, Rre Opelo o tlhalositse fa go le botlhokwa go tsosolosa matlhabelo a BMC. O ne a tlatsa gape ka gore lephata la gagwe le tshwenngwa ke kwelo tlase ya thekiso ya dikgomo, mme a dumela gore lengwe la mabaka aa dirang gore balemi ba rekise ka dipalo tse di kwa tlase ke dituelo tse a tlhalositseng fa baruakgomo ba di ngongoregela. Maloko a kimiti e, a ne a kopile tlhaloso ka dituelo tsa ISPAAD le go tsosolosa itsholelo ya BMC. Leloko la komiti e bile e le mopalamente wa Jwaneng/Mabutsane, Rre Mephato Reatile o ne a lemotsha lephata la Tlhabololo Temo-thuo le Tlhomamiso Dijo gore go nnile le tiego ya dituelo tsa ISPAAD segolo bogolo mo kgaolong ya Jwaneng/Mabutsane. Mopalamente wa Mochudi East, Rre Mabuse Pule, ene a re go lemosegile fa bomme ba le bantsi mo lenaneong la ISPAAD, mme a botsa lephata gore le dira eng go akaretsa le borre. Mopalamente wa Ghanzi North, Rre John Thiite, o ne a supa fa dipalo tsa thekiso ya dikgomo kwa BMC e wetse tlase, mme a botsa gore lephata la Tlhabololo Temo-thuo le Tlhomamiso Dijo le dira eng go baakanya seemo segolo bogolo lea itebagantse le dituelo tsa baruakgomo. Rre Thiite o ne gape a kopa lephata go tlhalosa botlhokwa jwa go tsosolosa BMC, ka jaana go lebega maikaelelo a pele a sa diragala go tsosolosa matlhabelo a. economy_business_and_finance 3 Manake o ipela ka lenaneo Mme Rose Manake wa Tsetsebjwe mme a direla kwa Selebi Phikwe ke mo-na-le-bogole yo o nnileng sego go tlhabolola botshelo jwa gagwe ka lenaneo la Nyeletso Lehuma. Mme Manake o supile fa lenaneo la Nyeletso Lehuma le mo reketse tante ya ditilo tse di masome matlhano le ditafole tse thataro, e le go mo tataisa go itshetsa le ba lelwapa la gagwe. Le fa a santse a le mo tlhokomelong ya ofisi ya Nyeletso Lehuma, Mme Manake o kgonne go oketsa dilwana tsa gagwe ka go reka ditafole le dijana. O supile fa kgwebo e tsamaya ka bonya ka bontsi bo fudugetse kwa magaeng morago ga go tswalwa ga moepo wa BCL. A re o leka ka bojotlhe go ipapatsa mme gantsi o bona madi ka nako tsa dintsho le manyalo ga mmogo le mediro ya go ipelela matsalo. A re pele ga dithuso tse, botshelo bo ne bo le thata mme a tloga a ipona le ene a na le seriti jaaka puso e eletsa go bona Motswana mongwe le mongwe a na le seriti. Mme Manake a re ga nke a lala ka tlala ka a kgona go ithekela dijo, go duelela boroko, go tsenya motlakase le go duelela ngwana sekole. A re o eletsa kgwebo ya gagwe e ka gola gore e kgone go phadisana le tse dingwe, mme fela o santse a tlhaela ka mekgabisa le go oketsa ditilo le ditafole. O supile fa mo nakong ya gompieno go na le phadisano e e kwa godimo ya kgwebo ya ditante, mme a re tsa Nyeletso Lehuma ka ba di neelwa di sena mekgabisa, batho ga ba di kgatlhegele go le kalo. A re kgwetlho e nngwe ke gore batho ba kgona go tsaya lebaka ba sa buse tante mo lebakeng le le dumalanweng mme morago e tle dilo tse dingwe di latlhegile. Maitemogelo a mangwe a gagwe ke gore ba neetswe mananeo a a tshwanang ba le bantsi ka jalo, ba lwela mmaraka. Mme Manake o supile fa e tlaare mo bogaufing a ye go ithuta temo ya ditlhare kwa Tlamelong Rehabilitation Centre kwa a solofelang fa se se tlaa tla se dira pharologanyo mo botshelong jwa gagwe ka o tlaabo a sa leba kgwebo e le nngwefela. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Boineelo le tlotlo mmamane Badirelapuso ba kopilwe go dirisa meletlo ya letsatsi la badirelapuso go itshekatsheka. E rile a bula semmuso letsatsi la badirelapuso ba kgaolo ya Bokone Botlhaba kwa Masunga bosheng, Kgosi Kutlwano Matenge wa Matenge, a re ka lone letsatsi leo, badirelapuso ba tshwanetse ba lebelela kwa morago go bona gore a ba isa ditirelo kwa setshabeng jaaka go tshwanetse. Kgosi Matenge a re lefatshe leno le simolotse go keteka letsatsi la badirelapuso ka ngwaga wa 2012, go fa badirelapuso sebaka sa go itshekatsheka le go ipelela boleng teng jwa bodirelapuso, a re ka jalo ba tshwanetse ba ipotsa gore a letsatsi leo, le na le bokao bongwe kgotsa ba le keteka fela ka go bo le tlhomilwe. A re badirelapuso ba tshwanelwa ke go supa boikarabelo mo tirong ya bone, ba e dira ka boineelo le ka tlotlo, ba setse morago ditaelo tse ba di fiwang ke puso mabapi le ditiro tsa bone. Kgosi Matenge a re sengwe se ba tshwanetseng go se baya sebete, ke go netefatsa gore ba nyeletsa tshenyetso setshaba e bile ga ba amane le yone ka gope, a re tseo ke dingwe tse ka tsone ba ka netefatsang gore ba tswelela ba itirela motlhala o o bonalang wa bodiredi jwa tlhwatlhwa. E ne e rile fa a ema badirelapuso ba Bokone Botlhaba ka lefoko, mongwe wa badirelapuso ba pele, yo o simolotseng e le morutabana ka dingwaga tsa bo 1980, Rre Godfrey Smile a tlhalosa fa mo dingwageng tseo, ba ne ba berekela mo mabakeng a a thata, go sena ditsompelo tse di akolwang ke badirelapuso ba nako eno. Rre Smile a re le fa ba ne ba direla mo mabakeng a a thata jalo, ba ne ba itepatepanya le seemo seo, ba dira tiro ya bone ka botswapelo mo ba neng ba ntsha maduo a a bonalang fa go tshwantshanngwa le metlha ya gompieno. Ka jalo, o ne a gakolola badirelapuso go itshekatsheka go bona gore ba dira tiro ya bone ba sa goge dinao ba itse fa ba direla lefatshe la bone. politics 7 Kgosi o batla ESP kwa Motokwe Motshwarelela bogosi jwa motse wa Motokwe Kgosi Aobakwe Molaole, o kopile gore ba tlisediwe lenaneo la ESP, a supa fa ba le utlwalela mo seromamoweng batho ba le galaletsa ba bo ba le dudueletsa. Kgosi Molaole o boletse mafoko a, fa a amogela morafe kwa motseng wa gagwe ka Labobedi, a supa fa ba eletsa gore motse wa bone o tlisediwe ditlhabololo ka lenaneo la ESP. Kgosi o ne a kopa gore ba atumediwe ditlamelo tsa kalafi ka gore kwa ba di bonang teng, kwa motseng wa Kang le Hukuntsi go le kgakala le bone. O ne a kopa gape fa ba kopa gore ba tokafalediwe kokelwana ya bone, a supa gape fa ba na le letlhoko la mokenti, a tlhalosa fa yo ba mo neetsweng a nna a seyo mme se se ba ketefaletsa botshelo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Kabelo Bosigo, o ne a supa fa ba na le mathata ka jaana ba sa lema, a supa fa seemo se se dirwa ke gore pula ga e ise e ne kwa motseng wa bone, a bo a tlhalosa fa ba bona fela gore go tlaa dika go le leuba. Rre Bosigo o tlhalositse fa ba filwe terata go agelela lefuti la matlakala, a bo a tlhalosa fa ba le teratile jaanong sebe sa phiri e le tsela e e yang kwa go lone, a supa fa e sa tsamaege ka e le motlhaba fela thata. O tlhalositse fa mananeo a le teng mme batho ba ba thusitsweng ka one ba le palo-potlana. O lebogetse ba lekgotla la kabo ditsha la Motokwe, a supa fa le dikile le agetse motlhoki ntlo, a bo a supa fa ba itumeletse tiro eo fela thata. O boletse gape fa lefelo le ba bonang ditlamelo kwa go lone (service centre) la bone le sa bereke, a bo a kopa gore bogolo ba tlisediwe bodiredi jwa lephata la Omang ka ba le tlhoka fela thata. O boletse fa ba sale ba solofediwa go agelwa diofisi tsa mapodisi, a bo a supa fa ba ne ba setse ba beilwe setsha sa dikago tseo. Mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Ngaka Ngaka, o ne a tlhalosa fa a tsile go tsaya megopolo mo go bone a e isa kwa palamenteng, go ya go dira ditogamaano tsa ngwaga wa 2018/19. O ne a tlhalosa fa maiteko a go lema ngogola a ne a le kwa godimo fela thata ka go ne go na le pula e ntsi, mme monongwaga pula e ise e ne. Mopalamente o ne a tlhalosa fa batho ba Motokwe ba itirela, a bo a ba akgolela maiteko a mantle ao, a supa fa sekai e le mabelo a dipitsi a ba a dirang ngwaga le ngwaga, a bo a ba kopa go tshwara ka thata. O boletse fa a lwantshitse kgang ya gore batho ba motse oo ba seka ba latela bongaka kwa motseng wa Kang le Hukuntsi, a bo a kopana le tona wa botsogo le boitekanelo ka kgang e, mme a supa fa seemo se tlaa boela mannong. O boletse fa sekole sa Motokwe se wetse tlase mo maduong fa go tshwantshanngwa le a ngwaga wa 2016, a supa fa ka ngwaga wa 2016 se ne se dirile 63.3% mme ka ngwaga wa 2017 se dirile 59.3%. Rre Selemogo Gaatlale o ne a supa fa ba ngongoregela go amogiwa sekole se segolwane, mme ya re kwa morago ga supagala fa go atolositswe sa Mahupu boemong jwa sone, mme go sena tekodiso epe e ba e filweng. O supile gape fa ba ngongorega ka batho ba ba tshwarwang ka motokwane, mme e re kwa morago ba bo ba ntshiwa gotwe ga ba na molato go fitlhela lekgotla le ba bona molato, a supa fa se e le poeleo morago ka ba tswelela ba dira molato oo gape. Bokhutlo society 9 Puso e tlaa tsibogela seemo sa setsidifatsi sa Deborah Mopalamente wa Mochudi Botlhaba, a re setsidifatsi sa baswi kwa kokelong ya Deborah Retief Memorial (DRM) se na le dingwaga dile nne se sa bereke. Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng, Rre Mabule Pule, o boletse fa baetelepedi ba lephata la botsogo le boitekanelo ba itse seemo se, mme ba supile fa ba dirisa dikhamphani tse di ikemetseng ka nosi go thusa fa baswi ba tshwanetse go tsenngwa mo ditsidifatsing. “Seemo se ntse jalo betsho, mme re solofela fa se tlaa baakanngwa fa puso e re agela sepatela se sesha,” a rialo. Rre Pule, yo gape eleng mothusa motsamaisa dipuisanyo tsa palamente, o ne a supa fa tlhomamiso ya gore motho o tlhokafetse e dirwa ke dingaka fela mme mo bo gompienong e dirwa kwa Mmathubukwane le Mochudi fela. A re dikeletso tsa gagwe le makhanselara ke gore go nne le dingaka le dikoloi tsa balwetse ka dioura tsotlhe tsa letsatsi. O supile fa a tshwenngwa ke dikhamphani tse di thapilweng go gopa ditsela. A re se ga se diragale ka fa tsamaisong, ka banni bangwe ba supa fa dikhamphane tse di dira tiro bosigo. “Ke ne ka botsa bogogi jwa khansele gore ba mpolelele maina a dikhamphane tse di filweng tiro e, mme go a lemosega gore ga se tsa bana ba mo gae, a re thapeng bana ba mo gae betsho,” ga bua Rre Pule. A re ga a rotloetse semorafe, mme a dumela fa bana ba mo gae ba ka se ba tle go latlhelela ditiro tse di tlhabolong magae a bone. “Lefatshe fela ka bophara, a re feng bana ba metse ditiro tsa metse ya bone,” a tswelela. A re go na le dingongorego tsa gore batho ba Ramotlabaki le Oliphant’s Drift ba tsenwa ke mala fa ba sena go nwa metsi, mme a re se ke sebaka sa gore ba lephata la metsi ba tlhalosetse Batswana gore ba lekola didiriswa tse di isang metsi jang. Fa a tswa la gagwe, mmereki wa ofisi ya nyeletso lehuma kwa Kgatleng, Mme Rebaone Tladi, a re mananeo a a filweng batho go itshetsa a feta lekgolo, mme go bereka fela a dipodi. “Tse dingwe di eme. Batswana ga ba na bopelotelele le botswapelo, ba batla dilo tse di motlhofo ebile dile bogadi gaufi,” a rialo. A re ba tsweletse le go tshwaragana le makalana a a rutuntshang bagwebi, ele maiteko a go fa banni thutuntsho pele ba fiwa dithuso. Mokhanselara wa Oliphant’s Drift Cllr Elizabeth Licnhwe o kopile tirisanyo mmogo e e tsepameng magareng ga gagwe le morafe mo dingwageng tse tlhano tse a di filweng ele mogogi wa sepolotiki. A re o eletsa go tlhabolola motse a sa tlogela ope ko morago, mme ele tshwanelo gore batho ba dirisanye le ene ka tlhompho, nnete le therisanyo. health 6 Tshekatsheko ya dikatso e tsweletse Tona wa merero ya pereko le se legae, Rre Peter Siele a re kgang ya gore maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse a okelediwe dikatso e sa ntse e sekasekwa. Tona Siele o buile mafoko a, kwa diphuthegong tsa kgotla di tshwerwe ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama kwa motseng wa Mabeleapodi le kgotla ya Ditimamodimo mo kgaolong ya Serowe Bokone Botlhaba ka Labone. Tona a re ba sa ntse ba kanoka gore maloko a dikomoti tse a ka thusiwa jang ka e bile ba tshwaragane le namane e tona ya go tlhabolola metse ya bone. Rre Siele o ne araba dilelo tsa baemedi ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse, fa ba ne ba itela ka go okelediwa dikatso. A re mo lefatsheng lotlhe go na le dikomiti tseo di ka nna 734, mme ke ka moo go tlaa tsayang lebaka ka go nne lefatshe le sa ntse le tlhaelelwa ke madi. Rre Siele o ne a ba kopa gore ba se fele pelo ka puso e sa ntse e ba lekela. Kwa Mabeleapodi, moemela modulasetilo wa VDC, Rre Kganelo Keoagile o ne a ntsha matshwenyego a gore mo motseng wa bone dipalo tsa baithaopi ba lenaneo la Ipelegeng di ile tlase. Rre Keoagile a re pele go ne go thapilwe batho ba le 99 mme jaanong palo eo e ile kwa go masome a supa fela, a tlatsa ka gore kgang e, ga e ba jese di welang ntswa ditlhabololo kgotsa ditirelo tsone ba di dira. Rre Siele o ne a tlhalosa gore puso e dira ka gotlhe go thusa mafelo otlhe mo lefatsheng ka tekatekanyo, a bolela gore e rile puso e lemoga fa ngwaga ono e le wa leuba ya itlama go oketsa dipalo tsa badiri ba Ipelegeng kwa mafelong a a wetsweng ke leuba thata. A re dikgaolo di tshwana le ya Bobirwa le Bokone Bophirima di ne tsa welwa ke leuba fela thata mme ba okeletsa dipalo pele kwa go bone gore ba ka ithuse ka Ipelegeng. Le fa go ntse jalo o ne a ba solofetsa fa seemo se, se sa ntse se sekasekwa gore ke di fe gape dikgaolo tse di ka okelediwang badiri ba lenaneo le. Mo go tse dingwe mothusa tona wa temo thuo Rre Oreeditse Molebatsi o ne a tlhalosetsa banni gore puso e tsere tshwetso ya go fokotsa tlhotlhwa ya dijo dingwe tsa leruo. Rre Molebatsi a re dijo di tshwana le moroko, letswai le kotla ya Vitamin A di fokoditswe ditlhotlhwa gore barui ba kgone go di rekela leruo la bone. O ne a gakolola thata barui gore jaanong puso e tsere tshwetso ya gore barui fa ba na le diteseletso ba ka ithekisetsa leruo la bone kwa mafatsheng a a mabapi. Rre Molebatsi a re pele thekiso e ka tswelela barui ba tlhokana le go tlhatlhoba leruo la bone ba bo ba tsaya diteseletso go tswa mo Botswana le kwa lefatsheng le ba batlang go rekisa kwa go lone. BOKHUTLO politics 7 Nyeletso lehuma e ogola Simon mo isong Palo ya batho ba ba rekang diaparo kwa ntle ga lefatshe leno e tla fokotsega ka Batswana bangwe ba setse ba na le dikitso tse di kwa godimo tsa go roka diaparo. Moroki mongwe kwa Jamataka mo kgaolong potlana ya Tutume, Mme Rosinah Simon, yo o dingwaga tse di masome a mararo le boferababobedi, o buile a sa kgale mathe, a supa ka fa lenaeo la nyeletso lehuma le mo ogotseng mo isong ka teng. Mme Simon yo o segofaditsweng ka bana ba le bararo, o buile seo mo potsolotsong bosheng, a tlhalosa fa a ne a fiwa dimatshine tse di rokang di le nne, tse di neng ditla di feletse ka sengwe le sengwe sa tsone, ka Lwetse ngogola. A re o roka sengwe le sengwe mme thata mesese ya setso, ebong mateisi gammogo le paka ya dikhwaere, a tlatsa ka gore mesese e rekwang thata ke mateise. Mme Simon a re jaaanong o kgona go rokela bana ba gagwe paka ya sekole, go ba jesa le gone go ba duelela kwa sekoleng. O tlhalositse fa a sa ntse a direla mo ntlong ya Setswana, a supa jalo ka monyenyo mo sefatlhegong, a boa a tlatsa ka gore maikaeleo a gagwe ke go aga ntlo e tona ya setena go godisa madirelo. O tsweletse ka go tlhalosa fa mogokgo wa sekole sa Jamataka se sebotlana a sa e go sokola ka go batla moroki; ka a setse a le teng mo gae. A re ga a ise a kopane le dikgwetlho tse di kalo ka kgwebo ya gagwe e sa ntse ele ntsha. O gakolotse banana le bagolo ka manemo a puso, le ka fa a bulegileng ka teng ebile a sa tlhaole ope. A re methale ya khumo e mentsi; e tlhoka balatedi. O supile fa thuso e a e filweleng a tla a e tlhokomela thata ka ele yone tiro ya gagwe ya letsatsi le letsatsi. Mme Simon a re go tsenelela lenaneo leo go motlhofo, ebile o fiwa dithuto tse di lebaganeng le se o tla a bong o se dira. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Puso e itlamile go tlhabolola bagodi Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso a re puso e tshwere ka natla go tlhomamisa tlhabololo ya matshelo a bagodi ka go lemoga seabe se ba nnileng naso mo tlhabololong ya lefatshe leno. E rile a bua mo tirong ya letsatsi la bagodi kwa Thamaga ka matlhatso, Ngwanaatsele a tlhola lesome le borataro, mothusa tona a tlhalosa fa go tokafaletsa bagodi mabaka a botshelo e le nngwe ya dikgang tse puso e di tshwaretseng godimo. A re e re ka go lemoga botlhokwa jwa go rerisanya le bagodi mo dikgannyeng tsa kafa ba eletsang go direlwa ka teng mo dikgannyeng tsa go tlhabolola matshelo a bone, puso e tshwaraganye le go loga lenaneo le le tlaa thusang go tswa ka dintlha tsa ka fa thulaganyo ya go tlhabolola bagodi e kadirwang ka teng. A re thulaganyo eo e tlaa dirwa ka go tsaya megopolo mo bagoding ka sebele go utlwa ka tlhomamo mathata a bone le ka fa ba eletsang go ka itebaganngwang nao ka teng. A re e re le ntswa bagodi ba tshelela mo mabakeng a botshelo a a thata, seabe sa bone se tsweletse ka go supafala mo ditirong tsa morafe di akaretsa tlhokomelo ya balwetsi kwa malwapeng, tlhokomelo ya dikhutsana le gone go nna le seabe mo ditshwetsong tsa go tlhabolola lefatshe leno ka go ntsha megopolo mo diphuthegong tsa dikgotla. O kaile fa dikgwetlho dingwe tse bagodi ba lefatshe leno ba kopanang natso e le lehuma, go tlhoka bonno,LET go tlhoka tshireletsego, go bolawa ke bodutu ka go nna bale nosi, go ikgatholosiwa ke ba masika jaaka bana. Mothusa tona a re le fa go ntse jalo puso e tlaa tswelela e itlama go diragatsa mananeo a tlhokomelo ya bagodi a akaretsa, madi a P250 le P390 a bagodi le bosole le P500 fa go na le botlhoki le go thusa ka bonno fa go kgonegang teng. Moeteledipele wa lekgotla la badirelapuso ba ba tlogetseng tiro Rre Norman Moleboge, o gakolotse ka botlhokwa jwa morero mo dikgannyeng tse di amang go neela bagodi ditirelo. A re e re ntswa ba eletsa go bona bagodi ba neelwa ditirelo ka tlotlo go ba faseriti, ntlha eo e saletse morago ka jaana ba santse balwela mela ya dithuso le bao ba ba itekanetseng. Mogolwane wa ba Botswana Post Rre Kabelo Ntobedzi o supile fa lekalana la diposo le tshwaraganye le thulaganyo ya go tokafaletsa bagodi ditirelo ka go dira tekeletso ya dikarata tsa dibanka go fokotsa mosuke ngwaga o o tlang o simologa. A re e re ntswa batshwere ka natla go leka go neela bagodi ditirelo tsa boleng jo bo itumedisang mosuke o santse o kgona go bonala mo diposong ka ntlha ya dipalo tse di kwa godimo ka jaana kgaolo ya Kweneng e e tsenya Gaborone e na le bagodi ba le 24 000. Bagodi ba le 38 ba dingwaga tse 100 mongwe le mngwe o ne a abelwa dimpho tsa materase le thobane e e ikokotlelang go tswa mo barulaganying ba tiro eo fa ba ba neng ba kgona go tsena tiro eo ba ne ba amogela gape mophuthelwana mongwe le mongwe gotswa kwa go ba Mompati Merafhe Foundation kwa Mahalapye. Mo mafokong a tebogo, tona wa botsogo Rev Dr John Seakgosing a re letsatsi la bagodi ke le le botlhokwa thata mo matshelong a bone ka le ba fa sebaka sa go gopolana le ditsala tsa nako e e fetileng tse ba sa kgoneng go di bona ka mabaka a botsogo jo bo kgoreletsang go fitlhelela tsotlhe tse ba di eletsang. BOKHUTLO society 9 Baithuti ba pele ba abela sekole dibuka Mogokgo wa sekole se segolwane sa Lobatse Secondary School, ,Rre Mpaladzi Majingo, o lebogetse baithuti ba pele ba sekole seo go abela sekole seo dibuka. Rre Majingo o buile jalo bosheng fa a amogela baithuti ba pele ba sekole seo ba ngwaga wa 1998, ba tsile go abela sekole se dibuka. A re baithuti bao ba pele ba bone go le botlhokwa gore ba direle sekole sengwe ka gore se ba dirile se ba leng sone. Moeteledipele wa baithuti ba pele, Rre Tshepho Bathai, a re ba ne ba lemoga gore sekole se ga se dire sentle mme ba kopana le bogogi. A re ba ne ba eletsa go dira mothao wa mokgatlho o o ka thusang baithuti le bone barutabana mo mananeong a thuto. A re e re ba sa ntse ba letile gore mokgatlho oo o rurifadiwe ba seka ba nna fela ba akanya gore ba ka dirang mme ba bona go le maleba gore ba kgobokanye bonyengnyane jo ba nang le jone mme ba reka dibuka di le masome a supa le boferabobedi, tse e leng gore e le nngwefela ya tsone e lopa madi a a kanang ka makgolo a mabedi a dipula. Rre Bathai a re ga ba nosi go abela sekole se ba na le ba tsa boranyane ba Huawei ba ba tlaa thusang ka dimpho tsa letsatsi la kabo dimpho mo sekoleng seo, jaaka diselefouni tse di tlaa fiwang baithuti ba ba gaisitseng ba le babedi. Baithuti bao ba pele ba ne ba aba buka e e bidiwang gotwe”Know what matters”. Mokwadi wa buka eo Rre Saidi Mdala a re o rata baithuti le dibuka fela jaaka a dumela mo baithuting le mo dibukeng. Rre Mdala a re baithuti ba botlhokwa ka gore ke losika lwa batho b aba nang le ditoro le dikeletso, jalo a tlatsa ka gore buka e e tlaa dira gore baithuti ba nne se ba ba tlang go nna sone mo isagong. A re buka eo e ka dira gore motho mongwe le mongwe a itshekatsheke mme a itseye ka motlhala mo botshelong. Mokhanselara wa kgaolwana ya Tsopeng North Rre Gofaone Kedise, a re baithuti ba ngwaga wa 1998 ba dirile pharologanyo, ka maiteko a go tsibogela kwelo tlase ya maduo a baithuti kgotsa go ba rotloetsa a re se ke kgwetlho ya batho botlhe go tsaya boikarabelo. Rre Kedise a re boranyane bo botlhokwa le ka fa bo dirilweng ka teng mme go tlhoka gore bo dirisiwe ka boikarabelo. A re dimpho tse baithuti ba di fiwang ba tshwanetse go di tlhokomela ba di dirise mo go botlhokwa di tle di ba thuse kgotsa di ba rute. Mokhanselara Kedise o ne a gwetlha baithuti go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo a re baithuti ba pele ba supa fa ba kgathala e bile ba ba tlotla ka ba tshwenyega ka matshelo a bone. education 4 Molebatsi o rotloetsa tlhokomelo ya noka E re ka mookodi wa pula o beelediwa ntlheng tsotlhe, Mme Babapisi Keabile, ke mongwe wa Batswana ba ba sa iponeng tsapa go dira dikgwebo ka go farologana. Mme Keabile, yo o tlholegang kwa Nkange mme jaanong e le monni wa Francistown, o itsege ka go rekisa merogo, maungo, dijo tsa Setswana le diaparo. O boletse mo potsolosong fa a na le dingwaga di ka feta lesome le botlhano e ntse e le mogwebi. O tlhalositse fa a lemogile fa thekiso ya merogo le maungo e le botlhokwa thata ka e bile lephata la botsogo le kaile fa dijo tsa go nna jalo di siametse botsogo, mme le ene lerato la gagwe la dijo tsa Setswana le mo kgothatsa go tsena mo kgwebong eo. Mme Keabile a re e re ka thekiso ya merogo le maungo e laolwa ke dipaka tsa thobo, mo nakong eno o rekisa merogo le makgomane, tse a tlhalosang fa theko ya tsone e nametsa. A re ka letseno le a le bonang mo kgwebong ya gagwe o kgonne go tsenya bana ba gagwe sekolo. “Go nna fela o itshopere matsogo ga go busetse sepe, ka jalo ke bone go le botlhokwa go tswa mogwebi gore ke kgone go itshetsa,” a tlhalosa. Le fa go le jalo, Mme Keabile o kaile fa a kopana le dikgwetho ka mefuta jaaka go senyega ga merogo le maungo, selo se se kgonang go mmusetsa kwa morago. O kaile fa se, se mmusetsa kwa morago ka gape a reka merogo le maungo a gagwe kwa metseng e e bapileng le toropo jaaka Mandunyane le Tonota. O tlhalositse fa maikemisetso a gagwe e le go emelana le dikgwetlho tsotlhe tse a kopanang le tsone, a tlatsa fa keletso le tsholofelo ya gagwe e le go nna le tshimo e e leng ya gagwe. O ne a gakolola bagwebi ba ba botlana go nna pelotelele mo dikgwebong tsa bone ka go sena kgwebo e e senang dikgwetho.BOKHUTLO environment 5 Makhanselara a lela ka ditsela Makhanselara a kgaolo-potlana ya Kanye a boletse fa ditsela tse di ralalang metse ya bone di le maswe thata. Ba buile jalo mo phuthegong ya khansele Seetebosigo a le gangwe. Ba ne ba akgela mo puong ya ga modulasetilo fa a bula khansele, ba re dipula di sentse ditsela fela thata mo di sa tsamaegeng mme ba ikuela mo khanseleng go ba tswa thuso ka bonako. Ba boletse fa khansele ka fa lephateng la ditsela e le maoto a tshupa go gopa ditsela gore di se nne maswe thata. Ba boletse gape fa dikole dingwe di le makgasa mo go ngomolang pelo mme ba kopa khansele go ema ka dinao go baakanya seemo. Mokhanselara wa Molapowabojang Botlhaba, Rre Calvin Matlala o tladitse ka gore dikole dingwe di tlhasetswe ke motlhwa, o ja dibuka tsa bana e bile gape barutabana ba a tlhaela. Fa mokhanselara wa Lorolwane, Mme Binkie Moalosi a boletse fa bana ba Lorolwane ba tsena sekole ko Mabule mme ba tshaba sekole ka go le kgakala e bile matlo a borutelo a le makgsa fela thata mmogo le matlo a borobalo. Mokhanselara wa Segwagwa, Rre Mogorosi Naolwakgosi o boletse fa barutabana ba tlhaelelwa ke matlo a boroko bangwe ba bereka ba tswa Kanye, o kopile gore bana ba dikole ba ne ba letlelelwa go tsena dipuisano tsa dikhansele ba tseye malebela ka gore ke bone bagogi ba kamoso. Re Ben Lemogang wa kgotla ya Ruele, o boletse fa lebala la temo-thuo la ditshupo le sa tlhokomelwe, dikago tsa teng di ole, e bile ditena tsa teng di utswilwe ke batho. Puso e senyegetswe ke madi go tlhabolola lebala la teng. Mokhanselara wa Marapalalo, Rre Kabelo Lemme o ngongoregile thata ka metsi a a leswe a a thologelang mo malwapeng a batho a tswa mo matamong a sepatela sa Sabata (SDA) mo Kanye. O boletse fa metsi ao a le leswe e bile banayana ba dikole ba tshamekela mo go one. Mo dikgannyeng tse dingwe, mokhanselara wa Kgosing mo Kanye, Rre Morekisi Rangobana o ngongoregetse tshwetso e e dirilweng mo Kanye ka go fudusa mabitla a a ntseng a dirisiwa ba sa rerisiwa,o boletse fa mabitla a masha a duelwa e bile go duelwa mo komiting ya ditlhabololo e le ngwe fela. Makhanselara a ngongoregetse dikarabo tse ba di fiwang ke maphata fa ba ba boditse, ba re gantsi di lolea gape ba a latlhelela. Khansele e ne e etetswe ke bana ba dikole mo Kanye ba tsile go bona tsamaiso le ka fa ba buisanang ka teng ka ditshutiso. politics 7 Pina ya setshaba e a tlotlwa - Phiri Mothusa molaodi wa Lobatse, Rre Ernest Phiri, o gakolotse morafe go fa pina ya setshaba tlotla e etshwanetseng. Rre Phiri o buile jalo ka Matlhatso kwa mabaleng a Bothakga jaaka go ne tshwerwe moletlo wa dijo tsa setso le dikgaisano tsa dikhwaere tsa boipuso kwa Lobatse. O tsweletse ka go kgothatsa batsadi gore ba rute bana gore pina e, e tlhokana le tshisibalo fa e opelwa, e bile go se motho ope yo o sutang. A re ka dinako tsotlhe, go sa kgathalesege gore e opelwa fa kae, pina e ke letshwao la Batswana. Mothusa molaodi o ne a tlhalosa fa dikgaisano tseo tsa dikhwaere ele bontlha bongwe jwa ditirelo tse di tsweletseng go ipaakanyetsa go ipelela boipuso jwa dingwaga tse di masome a mane le boferabobedi, tse gape e leng matlhagolatsela ago ipelela dingwaga tse di masome a matlhano Botswana a ipusa. A re ke gone mo ba dirileng gore mongwe le mongwe a nne le seabe jaaka baopedi ba dikhwaere; dibini ba mmino wa setso; badiragatsi ba diletswa tsa setso, le batshameki ba kgwele ya dinao. Mongwe wa baatlhodi kwa dikgaisanong tseo, Mme Onkabetse Ramasedi yo eleng morutuntshi wa tsa moopelo le tsa bodiragatsi, a re ba ne ba lebeletse dintlha tsa botlhokwa jaaka modumo, boleng jwa pina, gore a baopedi ba opela go tshwana, tlhaloso ya mafoko a pina le setlhogo, le gore a go na le neelano ya molaetsa. Gone go iteisanwa borathana, dikhwaere dile pedi; ele khwaere ya Mosu go tswa kwa Delta le ya Bosele go tswa kwa Boswelatlou.Khwaere ya Bosele e ne ya ikgapela maemo a ntlha le dikete tse pedi tsa dipula morago ga gore ba supe maitemogelo le bothakga mo dikhwaereng; khwaere ya Mosu ya iphitlhela mo maemong a bobedi mme ba ikgapela sekete sa dipula.E rile a ema mokhanselara wa Woodhall, Rre Mantle, a akgola komiti e ya boipuso a re ba kgaogantse madi sentle gore mongwe le mongwe a tseye karolo, a boa a kgothatsa dikhwaere go amogela maduo, a re ba ba tsereng maemo a bobedi ba ye go ipaakanya gore nako e e tlang ba dire bontle le go feta. arts_culture_entertainment_and_media 0 Go ima ga bana ba sekole goa tshwenya goa tshwenya Mookamela tsa thuto mo kgaolong ya Kgatleng Rre Matlhogonolo Mokakapadi a re go ima ga bana ba ba dingwaga di kwa tlase e sa ntse e le kgwetlho mo lefatsheng leno. Rre Mokakapai o boletse mo potsolotsong gore le fa moithuti mongwe le mongwe yo o tlogelang sekole a e ka nna ka go thoba, go sa tsogeng sentle,go bereka ga bana, go bereka mo dipolaseng le botlhokatsebe kana ka go ima go a tshwenya. A re ka thulaganyo ya thuto ya botlhe, (Education for All) ngwana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go bona thuto go sa kgathalesege gore seemo sa gagwe sa itsholelo kana sa botshelo se ntse jang. A re dipalo di supa gore mo kgaolong ya Kgatleng ka ngwaga wa 2015, baithuti ba le 15 ba ne ba tswa mo sekoleng ntateng ya boimana, mme ba le lesome ba bone ba tswa kwa sekoleng se segolwane sa Molefi fa ba le batlhano ba tswa mo go tse dingwe. Rre Mokakapadi a re mo ngwageng ono fa esale Hirikgong, baithuti ba le 14 ba setse ba dule mo sekoleng ntateng ya boimana fa kgwedi ya setebosigo e fela, a tlatsa ka gore ba le supa ba bone ba tswa kwa sekoleng se segolwane sa Molefi fa ba bangwe ba ba supang ba tswa kwa dikoleng tse dingwe tse di kwa tlase mme boimana jotlhe ja fitlha kwa go 14. Mookamedi yoo wa thuto o boletse gore baithuti ba tlogela sekole ka mabaka a a farologaneng jaaka go tlhoka botsogo, go thoba mo sekoleng le boimana a tlatsa ka gore go na le baithuti ba le 17 ba ba ngwegileng mo sekoleng , a le mongwe ka bolwetse fa ba le 14 e le ka boimana. O boletse gape gore botsamaisi bo leka go itebaganya le dikgwetlho ka mananeo a a jaaka Peer Approach Counselling by Teens, tshidilo maikutlo, komiti ya batsadi le barutabana, go ba rotloetsa mo moeng le dithuto tsa go itshwara sentle, ka go laletsa baruti kwa sekoleng le tse dingwe. A re le fa go ne go na le dithulaganyo tsa go nna jaana, boimana jwa bana bo tsweletse ka go nna teng ntateng ya go sa tlhokomelelng bana ga batsadi, malwapa a a eteletsweng pele ke bana, lehuma, go latlhelela dilo ga batsadi le tlhakatlhakano e e mo setshabeng. education 4 Bomme ba rotloediwa go ikemela ka dinao Modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng, Rre Tlotlo Batlhophi o rotloeditse bomme kwa Takatokwane go tlhagafalela go inaakanya le mananeo a a tlang ka thulaganyo ya lenaneo la go rudisa itsholelo (ESP),. E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng, Rre Batlhophi a re mo ESP go na le mananeo a a tshwanang le la ofisi ya merero ya tsa bong, le le itebagantseng le go thusa bomme ka madi gore ba ipulele dikgwebo. A re bomme ba tshabelelwa ke go kokonelwa ke lehuma go na le borre, ke ka moo puso e tsweletseng ka go tla ka mananeo a a farologanyeng go leka go tlhatlosa matshelo a bone. O supile fa baikopedi ba ka thusiwa ka madi a a ka tshwarang P100 000 go ya kwa godimo, go laola fela gore ba palo e e kae ka jaana ba kgona go kopa ka bongwe kgotsa ka ditlhophana. Rre Batlhophi a re lenaneo le la ofisi ya merero ya bong le tsile ka nako e e lebanyeng, e bontsi jwa Batswana ba leng mo leshekereng le legolo la letlhoko la ditiro, mme a re go mo maruding a bone gore ba ititeye ka thupana gore lenaneo le le tle le ba tswele mosola. O ne a gatelela botlhokwa jwa gore Batswana ba nne pelo di telele fa ba kopa mananeo, ka ntlha ya gore ba kgona go lopiwa go tla ka mekwalo e le mmalwa. O ne gape a tlhalosetsa ba ba setseng ba tsene dithuto tsa nyeletso lehuma mme ba ise ba abelwe dithuso go simolola dikgwebo, gore ba seka ba fela pelo ka jaana go santse go le mo dithulaganyong tsa gore ba thusiwe. E rile ba tswa la bone, banni ba supa fa ba lemoga maiteko a puso a go tokafatsa matshelo, ba kaya fa a ba tlhatlositse. Ba ne gape ba lebogela baeteledipele ba bone go ba tlhatlhelela ka mananeo a puso. economy_business_and_finance 3 Bolwetsi jwa tlhaloganyo bo a laolesega Mogolwane wa baoki ba balwetsi ba tlhaloganyo kwa kokelong ya Sbrana mo Lobatse, Rre Kagiso Nthobatsang a re bolwetsi jwa tlhaloganyo ga bo na kalafi mme bo a laolesega. O buile seo, kwa bokopanong jwa bomme ba thapelo jwa bo lesome le boferabongwe ba kereke ya UCCSA, e e neng e tshwerwe ka Labotlhano (13/02/2015). Rre Nthobatsang o boletse gore bolwetsi jo ga bona kalafi mme molwetsi o ka tlhatlhobiwa a bo a fiwa melemo ee ritibatsang fela le go sidilwa maikutlo. O tsweletse a tlhalosa fa bolwetsi jwa tlhaloganyo bo ka bakiwa ke dilo di le mmalwa jaaka mogare wa HIV/AIDS, segotso, dikotsi tsa tsela le ditagi tse a tlhalositseng di ama ditshika tsa boboko mo go feletseng go dira gore molaetsa o seka wa feta sentle mme a re se felele se bakela motho go latlhegelwa ke tlhaloganyo. Rre Nthobatsang o boletsetse gore dikai tsa bolwetsi jwa tlhaloganyo ke go bua ka pelo, go timela tlhaloganyo, motho o tlhoka go itse batho ba a nnang le bone kgotsa ba losika, motho a sa itlhokomele a sa tlhape gongwe a tshega a le nosi mo go feteletseng kana a dira dingwe tse di sa tlwaelesegang. A re go itumela go feta selekanyo e kanna sekai sa go lwala bolwetsi tlhaloganyo fela jaaka go utlwa botlhoko thata go ka baka bolwetsi jwa tlhaloganyo. Le fa go ntse jalo, o ne a gwetlha setshaba gammogo le dikereke go ema balwetsi ba mofuta oo nokeng ka dinako tsotlhe. Rre Nthobatsang a re ba tshwenngwa ke dikereke dingwe tse di tlogedisa balwetsi melemo mme se se dire poelo morago mo botsogong jwa molwetsi. O gakolotse setshaba go ithuta ka bolwetsi jwa tlhaloganyo a re ba ka etela kwa kokelong go ithuta go le gontsi ka bolwetsi jo. O ne a tlatsa ka gore setshaba se tshwanetse go ithuta go tshela le balwetsi bao mo tikologong mme a ba gwetlha go ba fa lorato, go akarediwa mo mererong eseng go kgethololwa a re se se ka ba thusa gore ba amogele seemo sa bone. Rre Nthobatsang o ne a ba gwetlha go ema nokeng balwetsi morago ga go gololwa kwa kokelong ka go ba rotloetsa go nwa melemo ka nako le go ba akaretsa mo ditirong tsa lelwapa go ba itsa go tlhola ba robetse fela. E rile a ema bomme ka lefoko, Mmaboipelego kwa kokelong ya balwetsi ba tlhaloganyo go tswa kwa Sbrana Mme Larona Dithato a re bokopano jo bo maleba ka jaana bontsi jwa nako bomme ke bone baoki ka Setswana se re “mmangwana a tshwara thipa ka fa bogaleng”. A re o thusana le ba bongaka go sekaseka botsogo jwa molwetsi a re ba buisana le molwetsi mme ba busetse tse ba di itemogetse mo molwetsing kwa go ba bongaka gore molwetsi a bone kalafi. Mme Dithato a re gape ba lomaganya molwetsi le mananeo a mangwe a itshetso fa a dule kwa kokelong le bo mmaboipelego ba kgaolo e molwetsi a tswang mo go yone go itsa gore a nne fela mme ana le matlhoki. O tswelete a re ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le go tlhoka go tlholwa ga balwetsi, a re se ke sesupo sa gore batsadi ga ba amogele balwetsi ka lorato mme a tshwaela gore dinako tse dintsi balwetsi o fitlhela ba tlhokana le go fiwa lorato ke ba malwapa a bone. Bokopano jo bo bo ne bo tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se sereng “Keresete oa re bitsa tsaya karolo mo tshotlegong le ikgaratlhelong”. BOKHUTLO health 6 Ba Selebi Phikwe ba rapelelela pabalesego Mothusa modula setilo wa komiti ya ipabalelo tseleng kwa Selebi Phikwe, Rre Lekgotla Rankwaila, o tlhalositse gore maikaelelo a letsatsi la go tshwara merapelo ya dikotsi tsa tsela ka malatsi a boikhutso ke gore ga go tla malatsi a keresemose batho ba fetola mekgwa ya bone. Rre Rankwaila o buile se mo tirelong ya thapelo e tshwaretswe kwa Adams Park kwa Selebi Phikwe bosheng, a tlhalosa fa mo malatsing ao a boitapoloso madi a dirisiwa botlhwaswa ka batho ba nwa bojalwa phetelela e bile ba kgweetsa ka bofafalele ka jalo a re Batswana ba tshwanetse go leba kwa go ramasedi go kopa pabalesego. Rre Rankwaila a re e le basepodise ga gona se ba ka se kgonang kwa ntle ga go kopa Modimo go ba etelela mo tirong ya bone ka jalo ba tshwanetse go nna ba kopana le baruti go thulanya ditlhogo go kopa botlhale kwa Modimong go itebaganya le seemo sengwe le sengwe se ba ka kopanang le sone mo tirong ya bone. Inspector Kgosiemang Sechoni wa sepodise sa Botshabelo o tlhalositse gore fa ba sala ba simolola dithapelo go supagala fa dikotsi tsa tsela di fokotsega mme go sa reye gore go lekane. A re ba santse ba na le tiro e ntsi ya go ruta setshaba ka tiriso ya tsela ka gonne ba tshwentswe ke melato ya go taboga ka lebelo le le feteletseng, go tsenelela dipone tsa mesepele, go kgweetsa motho a itshietse nnotagi le tiriso ya lebanta la itshireletso. Inspector Sechoni o tlhalositse gore lebanta le tshwanetse go dirisiwa ka nako tsotlhe go sa kgathalesege gore motho o tsaya mosepele o mo khutshwane go le kae. E rile a latlhela la gagwe, mookamedi wa Motor Vehicle Accident Fund kwa Selebi Phikwe, Mme Thatayaone Letsamao a tlhalosa fa ba bereka mmogo le ba sepodise mme bone ba itebagantse thata le go thusa ba ba golafetseng jaaka go ba duelela tsa bongaka le gone go thusa ka tsa phitlho. Mme Letsamao o tlhalositse gore ba thusa ba lebile gore kotsi e e diragetseng e bakilwe ke eng mme fa go nang le botlhaswa teng mokgweetsi ke ene a tshwanetseng go duela ditshenyegelo tsotlhe. Tirelo e, e ne e tshwerwe ka setlhogo se se reng, ‘Pabalesego ya tiriso ya tsela go ya kwa ngwageng wa 2020.’ disaster_accident_and_emergency_incident 2 Dikereke di kopiwa go ema puso nokeng Moeteledipele wa lekgotla la dikereke tsa Aferika tsa semoya, Moruti Mookami Motlhagodi, o kopile maloko a dikereke tsa semoya go tshwaragana le puso mo maitekong a yone a go tsamaisa lefatshe. O buile mafoko a ka mafelo a beke kwa Serowe mo moletlong o o neng o tshwerwe go tlhomamisa lekalana le le okametseng dikereke tseo mo kgaolong ya legare. Moruti Motlhagodi a re dikereke di tshwanetse go netefatsa gore go nna le kutlwisisano gareng ga tsone le puso, ka jaana se seka thusa thata go lwantsha borukutlhi le mekgwa e e sa siamang mo setshabeng. A re jaaka baeteledi ba dikereke tsa semoya mo Botswana ba tshwentswe ke dikereke tse gantsi o fitlhelang go lwelwa maemo mme di felele di thubega go tlhamiwa tse dingwe, a re se se tshwanetse go tla kwa bokhutlong. O tsweletse ka gore mekgwa ya mofuta o e isa dikereke tseo kwa tlase mme maikaelelo ke gore go rutuntshiwe baeteledipele ba dikereke go hema seemo se. A re go botlhokwa gore dikereke di buwe ka lentswe le le lengwe ka gore seo se tlaa dira gore di tshwaragane mme go rene kagiso. O tlhalositse fa lekgotla leo le tlhamilwe ka ngwaga wa 1984 mme ebile le kwadisitswe le ba lephata la kwadiso mekgatlho, a tlatsa ka gore go mo maruding a bakereki jaanong gore ba bereke ka boineelo, botswerere le maikarabelo a a bonalang mo setshabeng. Fa a tswa la gagwe modiri kwa lephateng la ikwadisetso dintsho, matsalo le mekgatlho Mme Neo Baruti, o lebogetse lekgotla leo la dikereke tsa semoya tsa Aforika gore abo le ikwadisitse le ofisi mme a gakolola gore ngwaga le ngwaga ba tshwanetse go netefatsa gore ba teng. A re jaaka dikereke, tsholofelo ke gore abo ba na le molao-motheo mme ba netefatse gore ba sala molao-motheo oo morago ka gore fa ba sa dire jalo ba tlaabo ba tlola molao wa lefatshe. O tlhalositse gore go botlhokwa gore fa ba fetola sengwe mo molao-motheong ba itsise mokwadise pele, a boa a tlatsa ka gore go tshwanetse go nna mo pontsheng gore kereke e tshwara madi jang e bile e dirisa bokae mo ditirong ka go farologana. A re se se botlhokwa ka jaana mo malatsing ano dirukutlhi di tlhakaladitse mme ebile gole gantsi, go tlhoka go nna le pego ya madi, ele mangwe mabaka a a bakang dikgotlhang mo dikerekeng. Mme Baruti o tlhagisitse gore ke molato go kereka mo lwapeng le mafelo a mangwe jaaka mabala le dikgwa ka jaana seo se leswafatsa tikologo ebile se baya matshelo a batho mo diphatseng. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Kgosi o kopa gore setlhare sa mokolwane se sirelediwe Di tsa tlholego ke dingwe tsa dilo tse Batswana ba ka di dirisang go itshetsa. Kwa kgaolong ya Bobirwa, setlhare sa mokolwane ke sengwe sa tse di ka namolang banni lehuma. Bontsi jwa batho bogolo jang ba ba tswang kwa mafelong a setlhare se se seyong teng, ba itse fa se bonwa thata kwa dikgaolong tsa Legare, Okavango le Ngami mme tiro kgolo ya sone e le go loga didirisiwa tse di farologaneng. E re ka se solegela banni ba kgaolo ya Bobirwa molemo, Kgosi Bethuel Machete wa Motlhabaneng o eletsa gore se sirelediwe ebile se dirisiwe ka kelotlhoko gore dikokomane tse di tlang di tle di se akole. O boletse mo potsolotsong fa a etse tlhoko gore mokolwane o itseelwa ke mongwe le mongwe, mme fa se ne se ka sirelediwa se ne se ka tswela kgaolo ya gagwe mosola. O kaile fa mo motseng wa gagwe, bangwe ba se dirisa go dira mofine mme o santse a sena kitso ya gore a bojalwa joo bo letleletswe ka fa molaong. Kgosi Machete a re bojalwa joo bo dirwa fela ka setlhare seo mme bo sa tswakanngwe le sepe, ka jalo o na le keletso ya gore baitseanape ba sekaseke gore a bo siame. A re o na le tumelo ya gore bojalwa joo ga bo na botlhabetsi bope mo botsogong ka ba gola ba fitlhela bo ntse bo dirwa ebile bo nowa fela thata mme go isi go nne le mathata ape a botsogo a a amanngwang le jone. A re mokolwane o na le maungo a a jewang a a bitswang mogogo. Kgosi Machete a re bangwe ba se jwalela go kgabisa fa bangwe ba kgona go dira mekgabisa ya mo tlung ka sone. O supile fa diotele di se jwalela moruti ka se gola fela thata fa bangwe ba se dirisa e le kalafi ya matlho. health 6 Bogodu jwa leruo bo apesitse batho kobo ka letshoba Mogolwane wa lephata la matlhoko a leruo kwa kgaolong ya Boteti, Dr Oletetseng Mahubaneng a re bogodu jwa leruo bo apesitse barui kobo ka letshoba. Dr Mahubaneng o buile jaana kwa thuto-puisanyong ya letsatsi le le lengwe e e neng e rulagantswe ke mapodisi a Orapa ka Labobed kwa Merakeng ya Xhumtsau. A re kgomo ke khumo ya Motswana mme e tshwanetse ya sirelediwa mo magodung. O tlhalositse fa magodu a dirisa methale e le mentsi ya go senya e bile ba ipopa digongwana ba dirisana le ba dikgaolo tse dingwe go amogana leruo. A re ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go lwantsha borukutlhi. Dr Mahubaneng a re morui o ntshwanetse a itse leruo la gagwe ka letshwao, mmala, letshwao la kgaolo le la mong e bile diruiwa di rwesitswe manyena. A re barui ba thapa badisa ba ba sa itseng sepe ka leruo mme go botlhokwa gore ba thape batho ba ba nang le kitso ya tlhokomelo ya leruo. O ba rotloeditse go tshwaya dinamane ka nako. A re ba lemogile gore barui ba tsaya lebaka go dira jalo mme seo se dire gore magodu a tseye diruiwa motlhofo go sena bosupi. Dr Mahubaneng a re batho ba kgaola terata ya matlhoko a leruo e e thusang go kganela leruo go tsamaela kwa dikgaolong tse dingwe. O ne gape a rotloetsa barui gore ba duele badisa ka nako gore ba seka ba tsenwa ke mogopolo wa go senya ba batla madi. A re gape ba tshwaraganele go lwantsha borukuthi, ba dire mananeo jaaka ntebele ke go lebele le komiti ya twantsho borukutlhi mo merakeng. A re ba tlhokomele leruo ka go aga masaka go le tlhatlhela, go disa, go kenta, go tipa gammogo le go le jesa. Selo se sengwe se se gakatsang bogodu a re ke batho ba ba duedisang magodu ba bo ba tsholola dikgang kwa makgotleng a ditshekelo. A re kgomo e tshwanetse ya nna le sesupo sa phuduso go netefatsa gore e tswa kae e ya kae. Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi mogolwne wa mapodisi a Orapa, Superintendent Kebaitsi Molefhe o supile fa e le go sekaseka le go rutuntshana ka methale ya go lwantsha burukutlhi gammogo le go lemotsha ka mothale o o siameng wa thekiso le go tlhajwa ga leruo mo go siameng le tlhokomelo ya lone. Mokenti wa kgaolo ya Mopipi, Rre Game Modipe ene o gakolotse barui fa go le botlhokwa go sireletsa leruo mo malwetseng go na le kalafi. Rre Modipe a re puso e thusa barui ka mokento wa kwatsi le serotswana e mengwe morui o a e ithekela. A re ba tshwanetse ba kenta ka nako e le nngwe mo dithotaneng tsa bone go itsa gore leruo le le kentilweng le kopane le le sa kentwang. Rre Modipe a re go botlhokwa go fa leruo dikotla ka gore go na le tse di tiisang masole a mmele gore le seka la tshabelelwa ke malwetse. BOKHUTLHO crime_law_and_justice 1 Rappelspan e itumelela kgokelo ya motlakase Banni ba Rappelspan mo kgaolong ya Kgalagadi borwa ba tletse boitumelo morago ga gore motse wa bone o gokelwe motlakase. E rile a bua mo potsolotsong le ba BOPA bosheng, mokhanselara wa Rappelspan/Vaalhoek Rre Phillipus Morerwa o boletse ha kgokelo ya motlakase e le tlhabologo e e amogelesegileng mo kgaolwaneng ya gagwe. A re motlakase ke selo sa botlhokwa mo matshelong a segompieno ka dilo di le dintsi di berekisa motlakase. “Mo malatsing a segompieno le dithuto tse dingwe jaaka tsa maranyane di tlhoka tiriso ya motlakase ka jalo dikolo di tsile go kgona go ruta bana ka botlalo mo dithutong tsa go nna jalo,” ga bua mokhanselara Morerwa. Fa a tswelela, mokhanselara o ne a tlhalosa gape gore se se tsile go thusa go tlhama ditiro. “Banana le botlhe ka kakaretso mo motseng jaanong ba na le tshono ya go itlhamela ditiro jaaka go bula madirelo a go beola le go dira meriri ya batho le go nosetsa ditshipi.” Mongwe wa banni ba motsana wa Rappelspan ebile e le mogwebi, Mme Piet Van Neel a bolela fa kgokelo ya motlakase e tsile go tlhofofatsa tsamaiso ya kgwebo ya gagwe fela thata. O tlhalositse fa a gweba ka go dira dikuku tsa mediro jaaka manyalo. “Pele ga re gokelelwa motlakase ke ne ke dirisa setofo sa gase ya lebotlolo mme ke lemogile fa tiriso ya sone e le turu go gaisa fa o dirisa setofo sa motlakase.” O tladitse ka gore sale a gokelelwa motlakase o kgona go dira dikuku di le mmalwa ka letsatsi go na le nako ya a santse a dirisa gase ya lebotlolo. “Gase ya lebotlolo e turu ka jalo ke ne ke sa kgone go apaa dikuku ka nako tsotlhe, mme sale motlakase o gokelwa ke kgona go di apaa ka nako nngwe le nngwe hela ha ke amogetse dikopo tsa tsone mo bathong.” Mme Naledi Witbooi o ne a tlaleletsa mo mafokong a ga mme van Neel a bolela fa ba itumetse fela thata ka se se tsile go tlhofofatsa matshelo a bone ka tsela tse dintsi tse di farologaneng. “Motlakase ke selo sa botlhokwa fela thata mo malatsing a segompieno ka didirisiwa ka bontsi di tlhokana le one”, ga bua Mme Witbooi a tlatsa ka gore dilo di tshwana le setshwantsho sa motshikinyego. “Re tlaa simolola go lebelela setshwantsho sa motshikinyego mme re ithute a bo re bone ka tse di diragalang mo lefatsheng la rona le mafatshe a a mabapi,” ga tswelela mme Witbooi. Rre Modisaotsile Wabatsima ebile e le moeteledipele wa tsa kgokelo motlakase ko Tsabong o ne a tlhalosetsa pampiri ya BOPA ha ba setse ba goketse motlakase mo malwapeng a le mmalwa ko Rappelspan. “Re setse re tshubile malwapa a le mmalwa gammogo le matlo a sekolo se se botlana sa Rappelspan Primary School,” ga bua Rre Wabatsima. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa gone ga nna le dikgoreletsi mo kgokelong ya motsana o a tlatsa ka gore jaanong tsotlhe di apere tshiamo ebile ba solofetse go feleletsa kgokelo mo motseng otlhe mo nakong e e sa fediseng pelo. BOKHUTLO politics 7 Ba tlhagisiwa go ikela tlhoko Motshwarelela mogolwane wa sepodisi kwa Maun, Rre Oarabile Hulela, o gwetlhile batho ba kgaolo ya gagwe go ikelatlhoko fa ba tsamaya mo nageng ka nako e ya dipula. Rre Hulela o buile se morago ga ditiragalo tse pedi tse mo go tsone batho ba ne ba timela mme ka lesego ba bonwa morago ga malatsi a feta bongwe. Mo tiragalong e nngwe bana ba le bane ba Sankoyo ba ne ba timetse ka Matlhatso kgwedi eno e le lesome le bone. Go begetswe mapodisi ka nako ya boferabobedi bosigo morago ga gore bana bao ba seka ba bonala ba sale ba ile go bapala maungo a naga ka nako ya lesome le bongwe mo mosong. Bana bao ba dingwaga tse di fa gare ga bosupa le boferabongwe, basimane ba le babedi le basetsana ba babedi ba ne ba lala gone mo nageng mme ba bonwa Hirikgong a le lesome le botlhano ke mapodisi. Rre Hulela o tlhalositse fa mapodisi le masole ba ne ba ntshitswe go batla bana bao ka dinao le ka sefofane sa tlhootomo, mme ba bonwe ke lekoko la dinao. O supile fa bana bao ba ne ba le mo seemong se se siameng mme ba neelwa ba malwapa a bone. Mo go e nngwe tiragalo, rre wa dingwaga tse di masome a supa le bobedi o ne a timela a ya morakeng wa Lechanja gaufi le Makalamabedi. Rre Hulela o tlhalositse fa rre yoo a ka tswa a timeditswe ke dipula tse di tshologang mo kgaolong mme a tlhoka go lemoga kwa a tshwanetseng go leba teng. Le fa go ntse jalo, go ne ga begelwa ba sepodisi sa Maun ka ba masika ba ne ba bona a sa goroga kwa morakeng gape a seyo kwa Maun. Rre yoo o timetse kgwedi eno e tlhola lesome le bongwe mme a bonwa e tlhola lesome le boraro ke ba sepodisi a setse a itharabologetse, a lemogile tsela e e yang morakeng. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Thuto ya bananyana konokono Thulaganyo ya go simolodisa lenaneo la thuto ya bananyana e thusa baithuti ba go akola tsamaiso ya thuto pele ba simolola lekwalo la ntlha. Mafoko a, a builwe ke mookamedi mo lephateng la thuto go tswa moding kwa kgaolong ya Kgalagadi, Mme Boikanyo Seitsang, mo potsolotsong le BOPA bosheng. Mme Seitsang o boletse fa lenaneo le, le itebagantse le bana ba ba dingwaga tse nne le sephatlho go ya kwa go tse tlhano. A re lenaneo le le sale le simolodisitswe kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa ka ngwaga wa 2014. O supile fa mo ngwageng ono ba kwadisitse palo e e kwa godimo ya bana ba ba ruthuntshiwang go ya go dira mophato wa ntlha. Mme Seitsang o supile fa mo nakong ya gompieno ba okeditse palo ya barutabana mo ntlung ya borutelo nngwe le nngwe go nna babedi go na le mo nakong ee fetileng fa morutabana a ne a nna mongwe. O boletse fa lenaneo le le rutuntsha bana go tlwaela tikologo ya sekolo le go ba bula ditlhaloganyo gore e re ba ya go simolola mophato wa ntlha tiro a bo e le motlhofo. Lenaneo le le thusa baithuti go itse go kwala le go bala gape le ruta gore e re ba tsena kwa lekwalong la ntlha a bo ba setse ba tlwaetse tikologo ya sekole. O supile fa khansele ya Kgalagadi e ba ema nokeng nako le nako fa ba na le mathata kgotsa ba tlhaelelwa ke didirisiwa. Mme Seitsang a re o tshwenngwa ke batsadi ba ba kwadisang bana ba bone morago ga nako ee beilweng, le ntswa ikwadiso e bulelwa go sale nako. O supile fa kemo nokeng ya batsadi mo thutong ele kowa tlase fela thata mme ba tsaya matsapa a go tlwaetsa bana tikologo ya sekolo fa barutabana ba tshidilo maikutlo le bone ba leka ka bojotlhe go fa bana ditsompelo tse ba di tlhokang. BOKHUTLO education 4 Borre ba ithuna dinta kwa kgotleng ya ga Kgosi Khaise E rile Ngwanatsele a le lesome le boferabongwe, le e leng letsatsi la mafatshefatshe la borre, borre ba New-Xanagas ba kopana kwa kgotleng ya ga Kgosi Dlamini Khaise go ithuna dinta. Morago ga go tshotlha dikgang di akaretsa kgokgontsho ya bong, tiriso botlhaswa ya nnotagi, tse di amang botsogo jwa bone le tiriso ya madi tota, ba dumalana ka bongwefela jwa pelo gore ba tshwanetse go nna le boikarabelo, le go nna sekao mo setshabeng ka kakaretso. Ba ne ba supa gore metlha ga se ya maloba fa ditiro le boikarabelo bongwe bo neng bo kgaogantswe ka bong, e bile borre ba tshwanetse go amogela gore bomme ba ka goga lefatshe kgotsa ba etelela morafe fa ba na le bokgoni. Ba ne ba dumalana gore ba tshwanetse go thibela kgokgontsho ya bong ka ditsela tsotlhe, e seng go fetoga bakgokgontshi, e bile ba re ntwa kgolo ke ya molomo. Ba re borre ba tshwanetse go etelela malwapa a bone pele sentle, le go fokotsa go inaakanya le nnotagi ka di ama botsogo jwa bone, di tlhakatlhakanya malwapa le gone go ba busetsa kwa morago, ka madi a felela koo. Ba re ba tlaa emela botsogo jwa bone ka dinao, go na le go nna maoto a tshupa go ya kwa dikokelong go ya go itlhatlhobela malwetse, kgotsa go itekodisa fa ba na le bokoa bongwe. Ba ne ba itlama go tsaya karolo mo kgodisong ya bana ba bone, le fa diemo e ka nna di fe. Mogolwane mo ofising ya palo batho ya Ghanzi, Rre Thatayaone Maithamako o ne a re le fa rre a ka nna le ngwana le mme a sa mo nyala, o na le tshwanelo le boikarabelo jwa go tlhokomela ngwana yoo. Le fa go ntse jalo, a re borre ga ba a tshwanela go tlhokomela bana fela ka gore ba patikwa ke molao. Mongwe wa banni, Rre Domma Qwiqao o ne a supa fa tharabololo ya mathata otlhe a selefatshe a ka fela fa batho ba ka dira dikgatlhego tsa Modimo, e seng tsa bone. Mo godimo ga moo, Rre Qwiqao a re batho ba tshwanetse go nna le mowa wa kutlwelobotlhoko. Mokwaledi wa khansele potlana ya Charleshill, Rre Christopher Maramba o ne a supa matshwenyego ka bana ba sekole sa koo se sebotlana ba ba tlogelang sekole ka ntata ya boimana, a supa fa dipalo di setse di tsamaya kwa go lesome le botlhano. Ka jalo, Rre Maramba o ne a kopa borre go tsaya boikarabelo gore dipalo tse di ye kwa tlase. A re gantsi borre ba motse ke bone ba umakegang mo boimaneng jwa bana bao, ka jalo a ba kopa go sireletsa bokamoso jwa bana, go na le go bo senya. A re o dumela gore fa bana ba ka atlega mo dithutong, kgabagare dipalo tsa Ipelegeng di ka fokotsega. education 4 Ba borwa ba tlhophile komiti ya babereki Badirelapuso ba ba duelwang ka letsatsi ba kgaolo ya borwa mo Kanye ba sa tswa go tlhopha komiti e e tlaa ba tsamaisang go simolola ngwaga ono, morago ga go tlhophololwa e e ntseng e le teng, e e tsereng dingwaga tse tharo. Mo boidiiding jo bo neng bo kokoane mo ntlolohalahaleng ya Marapalalo, badiri ba le masome a a ferang bobedi le boferabongwe ba ne ba tlhopha Rre Manyoloi Tselaesele go nna modulasetilo, a fenya Rre Edwin Seitaaboro, yoo o neng e le modulasetilo wa pele ka ba le lesome le boferabongwe, a latelwa ke Rre Abel Morupisi ka ba roba bongwe. Maemo a mothusa modulasetilo a tserwe ke Rre Seiphemo Tebejana, yo o neng a se na moganetsi, fa a bokwaledi a tserwe ke Rre Nicolas Sekwenyana, yo o boneng batlhophi ba le masome a a ferang bobedi le bosupa, fa mothusi wa gagwe e le Mme Copper Rebang ka batho ba le masome mararo. Motshola madi e nnile Mme Gaborekwe Tsiapa yo o neng a sa ema le ope. Go ne ga tlhophiwa gape maloko a le matlhano a a tlatsang komiti eo. Morago ga go tlhophiwa, Rre Tselaesele o ne a solofetsa fa a tlaa tsosolosa mokgatlho wa bone le dikomiti tsa pereko tse dipolana mo maphateng ka go farologana go thusa babereki. O boletse fa makgotla a sule, ka jalo a tshwanetse go tsosiwa, a tlatsa ka go re ka nako ya dikhuduego a ne a lwela babereki ka tsotlhe tse a neng a na le tsone. O kopile komiti e ntsha go goga mmogo ka bongwefela jwa pelo. O kopile gore ba tlhakanele ditsheko gore ba kgone tiro e ba e tlhophetsweng.Mo dikgannyeng tse dingwe, maloko a boleletswe gore kgang ya kokeletso dikamogelo e sa ntse e tshegeditswe ke Burgaining Council. Bokhutlo politics 7 Kgosi ke kgosi ka batho Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso, o gakolotse kgosi ya Kgope e e sa tswang go tlhomiwa mo setilong fa kgosi ele kgosi ka batho. Kgosi Otsisitswe Kgosimokgalo o ne a tlhomiwa mo setilong ka Labotlhano kwa moletlong o o neng o natefisitswe ka mmino wa setso le poko. Kgosi o tlhatlhama kgaitsadie ebong Patrick Mokgalo yo o tlhokafetseng ka ngwaga wa 2011. Mme Tshireletso o ne a tlhalosa fa bogosi bo le botlhokwa thata e bile lefatshe leno le bo tseela kwa godimo. O gakolotse Kgosi Kgosimokgalo gore a seka a iteba ele motho wa mme, a itse fa ele kgosi e e eteletseng morafe pele. Mothusa tona o akgoletse banni ba Kgope go sa leta dikgogakgogano go re di ba tsene ka bogare kaba kgonne go nna dingwaga di tse thataro go sena kgosi. A re mo nakong ya gompieno, bogosi bo a lwelwa ebile go kgona go tsaya dingwaga tse dintsi gore kgosi e bewe mo metseng e mengwe. Kgosi kgolo ya Bakwena yo e bileng e neng ele ene a tlhomang kgosi, o ne a kopa banni go ema Kgosi Kgosimokgalo nokeng. O gakolotse Kgosi go busa ka bopelotelele, a itse gore o busa batho ba ba megopolo ee farologaneng. Fa a fiwa sebaka sa go laa kgosi, Kgosi Michael Molefe wa Kopong o gakolotse Kgosimokgalo go rerisa bo rangwaneagwe ka tsotlhe tse a eletsang di ka dirwa. “O tsile go tsaya ditshwetso mme oseka wa di tsaya ka maikutlo aa kgoberegileng”, ga gakolola jalo kgosi Molefe. O tsweletse ka go gakolola kgosi go itse tsamaiso le molao motheo wa lefatshe, a re kgosi a netefatse gore o bopaganya morafe wa motse wa gagwe ebile a ba rute le mowa wa boipelego. Kgosi Molefe o ne gape a gakolola kgosi go kgothatsa morafe go lwantsha borukuthi le go ngokela ditlhabololo mo motseng wa gagwe. E rile a ba kgwa dikgaba, Kgosi Kgosimokgalo a tlhalosa fa a itlama go bereka le morafe wa gagwe sentle. O ne a a ikuela fa a kopa tirisanyo mmogo mo morafeng wa gagwe. Bangwe ba ba tsenelela moletlo e ne ele dikgosi le dikgosana tsa metse ya kgaolo ya Kweneng, mopalamentse wa kgaolo ya Lentsweletau /Mmopane Rre Vincent Seretse gammogo le mokhanselara. arts_culture_entertainment_and_media 0 Ditlou di ralala motse Banni ba Sexaxa, mo kgaolong ya Bokone Bophirima ba lela ka ditlou tse di ralalang motse ba re di tsenya matshelo a bone mo kotsing. Go ya ka bontsi jwa banni ba, ba ba tshelang ka go itshwarela ditlhapi mo nokeng ya Thamalakane, mo bosheng ditlou di ne tsa ralala motse wa bone ka dipalo tse ba sa di tlwaelang. Mo potsolotsong le A re se se dira gore ba boe ba iphotlhere ka ba fitlhela matloa a tsamaile, a tlatsa ka go re mo nakong eno le go thaisa ditlhapi ba setse ba itsapa, mme se, se ba baya ka fa mosing ka ke tsone fela ba itshetsang ka tsone. Mongwe wa banni, mme ene e le molemi Rre Shumba Moesi, o ne a bua a sa kgale mathe ka fa ditlou di senyang masimo ka teng. A re ditlou di ja ditlhare tsa mokolwane le motjiarana. Rre Moesi a re le fa ditlhare di le mo lwapeng, ditlou di a tsena mme di nne diphatsa mo matshelong a bone, a tlatsa ka go re nako e ntsi di nna bogale ka dintsa di a bo di di bogola. A re fa go le bosigo ba tshaba go tswela kwa ntle. O tlhalosa gore le bana ba bone ba tsena morago ga nako kwa sekoleng ka ba tsoga bo sele ntateng ya ditlou . Banni ba supile fa ba lephata la diphologolo ba leka ka bojotlhe go ka koba ditlou tse mme di boa. BOKHUTLO society 9 Sefefo se tlogela Ranamane mo legoeleleng Moletsi wa katara yo o tumileng kwa Serowe, Rre Ditshoto Ranamane o setse mo legoeleleng morago ga gore sefefo se tseye marulelo a ntlo ya gagwe ka Labobedi. Rre Ranamane yo o itsegeng thata ka leina la Abaa, o ne a tuma thata ka pina ya Sakomou ke Sesarwa, mme go tewa gore a re tsamaye. Mo potsolosong le Rre yo, wa dingwaga tse 66, a re go boeng kwa kgonnye o ne a fitlhela mosasana wa gagwe o a nnang mo go one le ngwana wa gagwe le ditlogolo o rutlolotswe ke phefo. A re ka lesego la ga nthonyana ga go a senyega sepe mo teng ga ntlo e bile ga go a nna le kgobalo epe kwa ntle ga disenke le ditlhomeso tse di senyegileng. Rre Ranamane o boletse fa a itshetsa ka go letsa katara mme fa e sale go nna le taolo metsamao ya batho go laola kanamiso ya mogare wa corona o sokola go itshetsa. O boletse fa ntlo eo a sale a e agelwa ke banna bangwe ba basweu ba ba neng ba etetse mo Serowe mme ba ithuta puo ya Sesarwa mo go ene ba bo ba mo leboga ka go mo agela ntlo eo. A re ka go sena se a ka se itirang o begetse ba boipelego mme ba mo tshephisitse gore a seka a ya gope ba tsile go bona ditshenyegelo le gore o ka thusiwa jang. society 9 Baithuti ba abela bana ba Dilolwe paka Baithaopi ba sepodisi ba kgaolo ya Dilolwe kwa Ga-Sebako kwa Kanye ba abetse bana ba sekole se sebotlana sa Sebako ba le lesome paka ya sekole ka Labone. Diaparo tse, di ne di akaretsa marokgwe, dihempe, ditlhako le dikausu. Kgosana wa kgaolo, Rre Sebati Dikgageng o kaile fa e se la ntlha baithaopi bao ba thusa ba ba tlhokileng lesego. A re ba kile ba gokelela mongwe pompo ya metsi, selo se a reng ba se dira ka kemonokeng ya gagwe. Kgosi Dikgageng a re e a re ba ikgapetse madi mo dikgaisanyong tsa ditlhopha tsa sepodisi a ba rotloetse go thusa mongwe yo o tlhokileng lesego mo botshelong. Mokhanselara wa Dilolwe, Rre Morapedi Kgosithebe o akgotse tiro eo. Rre Kgosithebe a re metlha ga e sa tlhole e le ya maloba, ka jalo paka ya sekole e e abilweng, e tlhoka go tladiwa ka d mask. O kopile bana go tlhokomela mpho e ba e abetsweng, ba bo ba tlhoafalele go ithuta. A re ga se molato gore batsadi ba bo ba sa kgone go ba rekela paka ya sekole. Mokhanselara Kgosithebe a re fa ba ka tlhoafalela thuto, ba ka fetola seemo sa malwapa a ba tswang mo go one, le go tshidisa batsadi ba bone botoka. O kopile bana go tlotla batsadi le barutabana, a tlhalosa fa motsadi e se yo o kwa lwapeng fela, mongwe le mongwe yo motona mo go bone ke motsadi. Mokhanselara o ikuetse mo mogolwaneng wa mapodisi a Kanye go sekaseka bana ba sekole sa Sebako a re ba ka nna ba se ithaopela ka go sena yo o se ithaopetseng mo nakong eno. Mogokgo Cinnie Bogopa o lebogile baithaopi bao ba setlhopha sa boraro a bo a ba eleletsa tsotlhe tse di molemo. A re botsalano jwa sekole le ba sepodisi bo tlaa nonofa. O kopile ba sepodisi le baithaopi go tsena diphuthego tsa sekole, go rotloetsa batsadi go tsibogela thuto ya bana. A re batsadi ba itlhokomolosa bana mme go dira jalo ke molato o motho a ka tseelwang dikgato. Go tlhalositswe fa barutabana ba thusa ka go rekela bana paka le tse dingwe ka se ise se bone yo o se ithaopelang. education 4 Monna o bolailwe kwa Tutume Mapodise a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome a supa le borobabobedi wa Makuta, mo kgaolong potlana ya Tutume, a tlhokafatseng morago ga go itewa ka molamu ke rre mongwe wa dingwaga tse di masome a marataro le bone gone kwa Makuta. Detective Assistant Superintendent Bigboy Nkhwanana o boleletse BOPA fa borre bao ba ne ba tlhoka kutlwisisano mme mongwe a felela a iteile yo mongwe ka molamu. O tlhalositse fa tiragalo eo e diragetse mo lelwapeng ka nako ya maitseboa ka Mosupologo. Rre Nkhwanana a re ba ile ba ragosetsa rre yoo kwa kokelong ya Tutume kwa go tlhomamisitsweng fa a tlhokafetse. O boletse fa setopo se le kwa setsidifatsing sa Kagiso go leta go tlhatlhojwa ke ba bongaka. O ile a tlhalosa fa ba tshegeditse rre yoo wa dingwaga tse di masome marataro le bone go ba thusa mo ditlhotlhomisong. crime_law_and_justice 1 Dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe Modulasetilo wa mokgatlho wa masupatsela wa Southern Africa Zone, Rre Ezekiel Malenya, o gakolotse banana go tsaya malebela mo go ba bangwe. Rre Malenya, yo gape e leng mogolwane wa khamphane ya Botswana Books Project, o buile se fa a tswala kampa ya banana e e neng e rulagantswe ke International Wetlands camp e tshwaraganye le Junior Rangers le Pelotshweu Trust kwa Kedia Phukwi a tlhola malatsi a le masome mabedi le borataro. Rre Malenya. yo a neng a romilwe ke mothusa tautona, a re mokgatlho wa masupatsela o beile kwa pele boikgapho, selo se a reng se thusa go aga banana le go hema botlhoka tsebe. A re mokgatlho o na le mananeo a go direla banana mono le kwa mafatsheng a mangwe ba tshwaragane le mekgatlho e mengwe. Rre Malenya o lebogetse banni ba Kedia kemo nokeng mo tirong eo, e e neng e tsenwe ke banana ba mono le ba mafatsheng a mangwe. O rotloeditse banana ba Kedia go ipopa ditlhopha gore ba kgone bona thuso ya lenaneo la YDF mme a ba rotloetsa go dirisa bokopano joo, go anya kitso ya go tlatsa dipampiri tsa go kopa thuso. Rre Malenya o solofeditse go ya go kopa dithuso go epa sediba a re ka go sena motlakase, ba tlaa dira se se dirisang marang a letsatsi. Rre Malenya a re o lemogile fa banni ba Kedia ba ikaegile ka leruo mme letlhoko la metsi le ka ba baya ka fa mosing. Khamphane ya Botswana Books Project e ne ya abela baithuti ba sekole se se botlana sa Kedia dipone tse di berekang ka marang a letsatsi di le masome a marataro le borataro mme Rre Malenya a solofetsa go tsisa tse di tlaa abelwang bagolo di feta lekgolo. Dipone tse di tlaa rotloetsa le go thusa baithuti go bala kwa malwapeng mme a solofetsa go abela ofisi ya ga kgosi khomputara le go abela motlobo wa dibuka wa sekole dibuka tse di balwang di le makgolo a ferabobedi. Morulaganyi wa International Wetlands Camp, Rre Kefilwe Boikhutso a re dithuto tse tsa malatsi a ferangbongwe e ne e le go abelana kitso, go rutuntshana ka tlhokomelo ya tikologo, boitsholo le kgwebo. O lebogetse banni ba Kedia go bo ba ne ba kgatlhegela tiro e. A re maikaelelo ke go tswelela ba ruta ka tshomarelo tikologo le matlotlo a naga ka ba ka itshetsa ka o ne. Mogolwane wa Wetlands, Rre Dustin Kebopetswe o boletse fa kampa e tsamile sentle e bile e atlegile. Rre Kebopetswe o supile fa ba kgonne se ka kemo nokeng ya ga Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane yo gape e leng mopalamente wa Boteti Bophirima. O lebogile banana ba baneng ba tsene tiro go thusa ba bangwe go tlatsa difomo tsa lenanaeo la YDF le go ba thusa ka megopolo gore ba ka bona diphatlha tsa dikole kae ba lebile maduo a bone. Rre Kebopetswe a re go lemosegile fa banana bangwe ba ba dirileng sentle kwa dikolong ba sa kgona go fetela kwa pele. economy_business_and_finance 3 Balekane ba Botswana ba iteisana borathana Kgaolo ya Bokone Botlhaba e tsweletse sentle mo go ipaakanyetseng moletlo wa monongwaga wa boipuso ka jaana e setse e simolotse go tshwara ditiragalo dingwe tse di tlhagolelang tsela moletlo oo wa dingwaga tse di masome a mane le borobabobedi lefatshe leno le ipusa. Nngwe ya ditiragalo tse di mo lenaneong la kgaolo eo ke ya go iteisana borathana ga batho ba ba tshotsweng ka 1966 mo kgaisanong ya mmabontle le rabontle. Dikgaisanyo tse di neng di tsenwe ke borre ba le supa le bomme ba le lesome, di bone Mme Reginah Ramolemane a gapa mma boipuso wa kgaolo ya Bokone Botlhaba mme a itseela P5000, a longwa serota ke Mme Paulinah Makoni yo o itswetseng ka P3 500, fa maemo a boraro a gapilwe ke Mme Chikadzi Mokgwathi yo o atswitsweng ka P1 500. Mo letlhakoreng la rabontle, Rre Mpenya Mpenya o phamotse P5 000 a sena go gapa maemo a ntlha, a latelwa ke borre Joseph Otukile le Babatshi Masalila ba ba tsereng maemo a bobedi le a boraro mme le bone ba ikgapele P3 500 le P1 500 ka go latelelana ga bone. Bangwe ba ba neng ba tsene kgaisano eo le bone ga ba itswela fela ka ba phimotswe keledi ka P750 mongwe le mongwe wa bone. Molomaganya ditiro tsa komiti e e neng e rulaganyetsa dikgaisano tseo, Mme Boipuso Chakane, yo le ene a tshotsweng ka 1966, a re o eletsa fa mowa o montle o, o ka tswelela le mo ditirong tse dingwe tse di rulaganyeditsweng go tshegediwa mo kgaolong. O tlhalositse fa bafenyi mo matlhakoreng oo mabedi ba tla emela kgaolo mo dikgaisanyong tsa ngwaga o o tlang, tse mo go tsone ba tla bong ba iteisana borathana le balekane ba bone go tswa mo dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe leno. Mme Chekane a re mo kgaisanong eo ya 2015 ya baemedi ba dikgaolo, go tla bo go tlhophiwa ba le lesome ba ba tla nkgisanang magwafa ka 2016 jaaka lefatshe leno le tla bo le goroga kwa tebelopeleng ya lone e bile le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano le ipusa. BOKHUTLO politics 7 Magodu a itebaganya le marole le mealolelo Moanamisa mafoko wa sepodisi sa Botswana, Rre Dipheko Motube, a re letsholo la kgomokhumo le senotse fa magodu a leruo a itebagantse thata le marole le mealolelo. E rile a bua mo potsolosong kwa Sojwe, Rre Motube a bolela fa magodu a leruo a utswa marole mme a a tshube le go a tshwaya ka matshwao a bone. A re mo nakong tse dingwe, ba utswa marole ao le bo mmaaone gore a tswelele a anya sentle. Rre Motube o kaile fa puso e dira tsotlhe tse e ka di kgonang go lwantsha bogodu jo bo apesitseng barui kobo ka letshoba. O boletse fa e rile kgwedi ya Phalane e le 29, ba tshwara monna mongwe wa Molepolole wa dingwaga tse di masome matlhano le bofera bongwe, go bapa le meraka ya Mosetsanamontle, yo o fitlhetsweng ka dikgomo tsa matimela mme go beleasega a tshwaile marole a tsone. A re ditlhotlhomiso di supa fa dikgomo tseo, di tsene mo polaseng ya rre yoo magareng ga dingwaga tsa 2013 le 2018. Mme a kaya fa go ikgagapelela leruo la batho le le tseneng ka phoso mo merakeng kana dipolase e le molato. Rre Motube o ikuetse mo baruing go bega matimela mo dikhanseleng ka e le tsone di itebagantseng le go a phutha, mme a re barui bangwe ba fitlha matimela mo dikgomong tsa bone, mme a re selo se ga bana go se leseletsa. O kgothaditse barui go tlhokomela leruo la bone le go tlhomamisa gore ba tshwaya le go tshuba marole nako e sa ntse e le teng, e se re gongwe ba iphitlhele ba lelela kgama le mogogoro. E rile a tswa la gagwe, mongwe wa barui kwa Sojwe, Rre Gasengaka Morule, a supa fa letsholo la kgomokhumo lena le maduo a mantle, a re fa e ne e se ka lone gongwe o ne a se ka ke a tlhola a bona kgomo ya gagwe, e e sa bolong go timela e le namane ya moalolelo. O kaile fa kgomo ya gagwe e timetse a ne a e tshwaile, mme e tshwarwa jaana e setse e na le namane. Rre Motube o boletse fa ba tlhotlhomisa molemi mongwe wa masimo a Pakastena go bapa le Kgomodiatshaba mo kgaolong ya Kgatleng, yo go fitlhetsweng a jwadile setlhare se go belaetsegang e le sa motokwane. A re ditlhotlhomiso di santse di tsweletse mme setlhatshana seo se isitswe ko baitseanapeng go se tlhatlhoba, mme fa go ka fitlhelwa e le sone mmelaelwa o tla lebisiwa molato wa go jwala ditlhare tse di seng ka fa molaong. crime_law_and_justice 1 Balemi ba lela ka beng ba diterekere Banni ba metse ya Tswapong borwa ba re ga ba jesiwe diwelang ke beng ba diterekere bangwe ba go bolelwang ba sa dirisanye sentle le balemi. Ba re beng ba diterekere bao, ba tla kwa masimong a bone ba bo ba a lemolola, fa ba sena go dira jalo ba bo ba tsaya sebaka se se fetileng kgwedi ba sa ba lemele. Ba re go lebega beng ba diterekere ba tsaya masimo a mantsi a a ba fetileng ba a lemolola a bo a ba palela go a jwala. Ba re seemo seo se a tshwenya ka bokgola bo felela bo tsamaya go bo go felela gape masimo a bone a tlhoga bojang. Ba re mo dinakong tse dingwe ba felela ba ba lemela fela ntswa ba bona bokgola bo tsamaile. Ba buile jalo kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di biditswe ke mopalamente wa kgaolo, Mme Dorcas Makgato bosheng. Rre Gabatlhalose Gabakopane wa Moshopha o boletse fa balemi ba setse ba sa itse se ba ka se dirang ka bontsi jwa bone ba sa lema ntateng ya seemo seo. A re ba tlaa felela ba sena tshepho ya gore mo ngwageng ono wa temo ba tlaa bona se ba se jang. Rre Gabakopane a re o itemogetse gore boraditerekere ba lemolola masimo jalo ba raya gore balemi ba seka ba kopa ba bangwe gore ba ba lemele mme ba nne le tshepho ya gore ba tlaa tla ba jwala ka ba a bo ba lemolotse mme go seke go nne jalo. Mme Ngongorego Tshireletso wa motse wa Machaneng o ne a bolela fa ba ise ba leme mme mo gongwe ba lemelwa morago ga kgwedi. Mo go tse dingwe Kgosi Boemo Lechaena wa Moshopha o ne a ikuela mo pusong go tsibogela go dira tsela ya Moshopha/ Shakwe e e leng yone e ba tshwaraganyang le motse wa Mahalapye. Kgosi Lechaena a re tsela eo e sekgele sa dikhilomithara di le masome a mararo le bobedi ka jalo ba tsamaya sekgele sa dikhilomithara di le lekgolo masome a mararo le bobedi go ya Mahalapye. Fa a tsibogela dilelo tsa bone, Mme Makgato o ne a bolela fa a itemogetse gore boraditerekere ba tsaya masimo a mantsi thata ba bo ba palelwa ke go a lema. A re go tlhokana le gore ba dire lenaneo la gore ba tlaa lemela balemi jang ka mo kgaolong ya gagwe go na le diterekere di le 77 le digogi di le 44. Ka jalo o ne a solofetsa banni fa a tlaa tsibogela kgang ya boraditerekere gore go bonwe gore go ka dirwa jang. BOKHUTLO society 9 Setlhopha se gatela pele ka tokafatso maduo Setlhopha sa tokafatso maduo se se bidiwang Morero go tswa kwa lephateng la ofisi ya ga molaodi kwa Francistown se gatetse pele mo go tokafatseng maduo mo tirong. Fa a lekodisa bagolwane ba maphata ka go farologana , modulasetilo wa setlhopha sa Morero, Rre James Mothomae o tlhalositse fa setlhopha se bopilwe ka banna le basadi ba motia go tokafatsa tomagano fa gare ga ofisi ya ga molaodi le batsaya karolo mo kgaolong ya bone. Rre Mothomae a re ba dirile bokopano joo go tla go tsaya bogakolodi le malebela a go fetela kwa legatong la go ya go nkgisana magwafa le bangwe ka bone go tswa mo dikgaolong tse dingwe mo dikgaisanong tse di yang go tshwarelwa kwa Gaborone kgwedi eno ele masome a mabedi le botlhano go ya go masome a mabedi le borataro. A re morago go tsaya maemo a ntlha kwa Maun, ba bone go tshwanela gore pele ga ba ka fetela kwa legatong la bobedi ba nne le bokopano le bagolwane ba bone go itsheka-tsheka. Rre Mothomae o tlhalositse gape gore ba ikaelela go nna baeteledipele mo go ntsheng ditlamelo le dithuso tsa tlhwatlhwa mo kgaolong ya Francistown. E rile a amogela badiri le bagolwane, mothusa mogolwane wa ofisi ya HIV/AIDS, Rre Ketshepile Nthomiwa a tlhalosa fa go le molemo go nna le setlhopha se se motia se se tsamaisang merero ya tokafatsa maduo le go tsibogela dingongorego tsa setshaba mo kgaolong ya Francistown. Rre Nthomiwa o akgotse setlhopha seo tiro e ntle e ba e dirileng le go ba eleletsa katlego mo dikgaisanong tse di tlang. A re go maleba gore ba fe setlhopha mofago le go ithuta ka se ba sa tswang go se supa gammogo le go rotloetsa maphata ka go farologana go tsaya malebela. Rre Nthomiwa a re go dira tiro eo mo lebakeng la ngwaga le kgwedi tse supa, ke go supa tlhabologo a tlatsa ka gore go itlhabolola ga se ga sekole fela. O kgothaditse setlhopha go tlogela go inyatsa mme a ba lemotsha fa mongwe le mongwe a nale seabe e bile a le botlhokwa. Bokhutlo society 9 Dinonyane mofenyi wa sefalana Rre Leagile Dinonyane wa Lecheng ke ene mofenyi wa kolotsana ya boapeelo kwa marekisetsong a Sefalana, morago ga go reka dijo koo kgwedi le kgwedi. Rre Dinonyane yo gape a neng a sa tswa go tlogela tiro ka bogodi mo koporaseng ya motlakase, e bile e ne e le letsatsi la gagwe la matsalo, o ne a atlhoka a le tlhaeng morago ga go itsesiwe fa e le ene mofenyi wa kolotsana ya boapeelo. Kgaisanyo eo, e e neng e le mo marekisetsong a Sefalana otlhe mo lefatsheng leno, e simologile ka Phukwi ngogola go fitlhelela Ngwanaatsele a le lesome le bongwemonongwaga. Rre Dinonyane, yo e leng monni wa Palapye, a re ene le ba lelwapa la gagwe ba reka dijo tsa bone tsa kgwedi le kgwedi kwa Sefalana. Mofenyi wa bobedi ke Mme Amantle Supang, wa dingwaga tse di masome mabedi le borobabongwe wa Sefhophe yo ene a ikgapetseng P10 000. Mofenyi wa boraro e ne ya nna Rre Oageng Lebonetse wa dingwaga tse di masome mararo le bofera bobedi wa Manaledi. E rile a aba dimpho tseo, Mopalamente wa Palapye, Rre Moisaraela Goya a leboga marekisetso a Sefalana go thusa Batswana ka go ba direla dithulaganyo di tshwana le e ya dikgaisanyo tsa bareki. A re ke ngwaga wa bolesome le boraro ba Sefalana ba ntse ba na le dikgaisanyo tsa mefuta e e farologanyeng, jaaka ba ne ba aba diterekere, dikoloi le tse dingwe, seo e le gone go arogana dipoelo tsa bone le bareki. E ne e rile go le pele, modulasetilo wa marekisetso ao, Rre Baakile Mmusi a supa fa ba ne ba afa mongwe le mongwe yo o rekang ka P50 le go feta sebaka, fela fa sengwe se se mo kgaisanyong se le mo dithotong tse a di rekileng, mme a lebogisa bafenyi go bo ba kgonne go fenya kgaisanyo eo. Fa a leboga, mogolwane wa madirelo a Sefalana, Rre Thabo Namoshe o supile fa bareki e le bone konokono ya marekisetso a bone. A re kwa ntle ga bone ga ba kake ba kgona go tswelela. O ne a bolela fa kolotsana ya boapeelo e lopile P60 000, e na le didirisiwa tsotlhe tse ditlhokegang tsa kapei ga mmogo le gase e e apayang, e bile e tsentswe le dipone tsa motlakase. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Banni ba galalediwa ka boitshwaro jo bontle Mothusa Mogolwane wa mapodisi a Letlhakane Assistant supritendent Foda, a re o leboga batho ba kgaolo ya gagwe go bo bane ba itshwere sentle ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha. Assistant Supridentant Foda a re ba gatisitse petelelo ko masimong a Ditawana, a tlhalosa fa mosetsana wa dingwaga tse di lesome le bone a beteletsweng ke ntsalae wa dingwaga tse di fagare ga lesome le bongwe le lesome le botlhano,atlatsa ka gore tiragalo e e diragetse mo lwapeng. Supt Foda are ba gatisitse dikgang tsa go thubiwa ga dibara dile pedi ,ko Mmatshumo go thubilwe bara ya Obis ga utswiwa majalwa,motsoko,le airtime tsa madi a kana ka P3000,fa kwa Letlhakane go thubilwe bara ya Zamalec le gone ga utswiwa majalwa,metsoko,le airtime tsa madi a kana ka P3700,le marekisetso a dijo a Sechaba go ne ga utswiwa metsoko ya madi a kana ka P979.00 le P40 a re tiragalo tse di diragetse bosigo ja ngwaga o mosha. Supt Foda a re bane gape ba gatisa go thujwa ga matlo a le mararo ,a bolela fa go thubilwe ntlo kwa sekolong se golwane sa Motsumi ga utswiwa dithoto tsa madi a kana ka P7600,ga thujwa ntlo ko sekoleng se se botlana sa supang ga utswiwa dithoto tsa madi a kana ka P3500,ga thujwa ntlo engwe kwa kgotleng ya Tawana mo Letlhakane ga utswiwa bolao le dikobo tsa madi a kana ka P3179. Mo dikgannyeng tse dingwe Rre Foda a re ba tshwere batho bale masome a mabedi ka molato wa g nwela bojalwa mo mekgwatheng,mme ba ba lefisa madi a kana ka P200,le batho ba le bane ba rekisang bojalwa pele ga nako ee beilweng, le a le mongwe wa bara ba lefisiwa madi a fagare P200 le P500. O tweletse a re ba ne ba phatalatsa batho ba baneng ba dirile dipikinic ba sa kopa diteseletso,ba ne gape ba tshwara mongwe yoo neng a rekisa gone koo le ene a sena teseletso ya go rekisa ,mme ba mo a tlhola madi a akana ka P1000. Supt Foda a re ba tshegeditse batho ba letso la Zimbabwe bale 29 mo diseleng tsa bone ,bale 25 ba tshwerwe ka molato wa go bereka ba sena diteseletso ,atlatsa ka gore ba ne ba busetse ba bangwe ba le lesome pele ga malatsi a keresemose le ngwaga o mosha. Mo go tse dingwe Rre Foda a re ba tshwengwa ke tiriso ya motokwane e e ko godimo mo kgaolong ya bone ya sepodisi ,a tlhalosa fa ba tshwere batho bale bantsi ka motokwane ,segolo jang ko dikgorong tsa matlhoko a leruo tsa Makoba le Thalamabele,mo letsholong la bone la go emisa batho ba ba phuruphutsha.BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Lekgotla le kolotwa madi madi Lekgotla la kabo ditsha la Ngwato le kolotiwa P53 186 300 yo eleng makgetho a ditsha tsa kgwebo tse di abetsweng Batswana. E rile a buisa phuthego ya bofelo ya khansele ya Legare, modulasetilo Rre Lesego Raditanka a tlhalosa fa batho ba tshwanetse go tlhaloganya gore madi ao a ka bo a thusa go tsamaisa lekgotla leo ka jalo go tshwanetse gore a duelwe ka bonako eseng jalo lekgotla le tla a retelelwa ke go dira ditirelo dingwe tsa lone. Rre Raditanka o tlhalositse fa lekgotla leo le lebanwe ke namane e tona ya go bona gore a ditsha tse di abetsweng batho di a tlhabololwa mme go supagetse fa go sa nna jalo ka di sena ditirelo. O boletse fa seemo se, se rontsha kgaolo maungo a itshetso le itsholelo a a kabong a le teng fa ditsha di ne di tlhabolotswe. Mo go tse dingwe, o supile fa letsholo la go kwadisa ditsha le tsweletse le fa go na le dikgwetlho tse di akaretsang beng ba ditsha ba ba maoto a tshupa go supela ditsha tsa bone, a bolela fa seo se dia thulaganyo ya go kwadisa ditsha. Ntswa go na le dikgwetlho, o tlhalositse fa lekgotla le eletsa go wetsa go kwadisa ditsha kwa Serowe le Mahalapye pele ngwaga wa madi o wela. Mooketsi BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Seemo se a nametsa kwa BMC Moanamisa mafoko wa matlhabelo a Botswana (Botswana Meat Commission, BMC) Rre Brian Dioka a re seemo sa kgwebo se a nametsa kwa matlhabelong a bone. Rre Dioka o tlhalositse se bosheng fa BMC e abela batho ba ba amilweng ke merwalela kwa kgaolong ya Ghanzi dibeke tse di fetileng, segolo bogolo kwa D’Kar. O tlhalositse gore matlhabelo a BMC a ntse a faraferwe ke dikoloto le go lwantsha matlhoko a bolwetse jwa tlhako le molomo ga mmogo le jwa mabele (measles). Mme o ne a tlhalosa gore le ntswa ba santse ba lwantshana le dikoloto, botsogo bo anametsa. O tlhaloseditse banni ba D’Kar gore dipoelonyana di ntse di a rothegela. A re ntswa gone dikoloto di le dintsi go feta dipoelo, gone mme ga go tshwane. Rre Dioka o tlhalositse gore tiego ya go duela barui e bakilwe ke leshekere le ba ntseng ba le mogo lone mme a re seemo se a tokafala ka jalo a kopa barua kgomo go ba inela diatla metsing; a tlhalosa gore ka dipoelo tse di rothegelang ba gwetlhega go dira thata segolo bogolo gore ba fefose go duela barua kgomo ba ba saletseng kwa morago. Mme, o ne a kgothatsa barua kgomo go tlhokomela dikgomo tsa bone mo go tsenweng ke bolwetse jwa mabele. A re BMC e latlhegelwa ke dikadike tsa dipula di le lesome le boferabongwe (P19m) mo ngwageng ka ntata ya go laola bolwetse jwa mabele. Ka jalo o ne a tsibosa barua kgomo ka pilisi e a reng e fiwa kgomo gabedi fela mo ngwageng. A re pilisi e, e fokotsa dibokwana mo kgomong mme e laola bolwetse jwa mabele. O tsweletse a tlhalosa a re pilisi e, e ka lopa morui dipula di le masome a marataro (P60) fela ka jaana o tla bo a tlhoka di le pedi mme e le nngwe ele dipula tse masome mararo (P30). Rre Dioka a re BMC e rotloetsa kgwebo mo thuong ya dikgomo; a tlhalosa gore dipoelo tsa kgomo dia nametsa mme a re le nama ya kgomo e tswang mo kgaolong ya Ghanzi ke ya maemo a ntlha ebile e na le dipoelo tse di nametsang. BMC e ne ya abela batswa setlhabelo dithini tsa nama go tswa BMC di le 1 800, mme ele tse di tla kgaoganngwang malwapa a le 136 a a amilweng ke merwalela. Mme Gakeolese Mokere wa komiti ya dibetso tsa tlholego a re di tla fiwa banni ba D’Kar ka jaana ele bone ba amegileng thata. A re tse dingwe di tla abelwa ba metsana ya Grootlagte le Chobokwane. Fa a latlhela la gagwe, mothusa modulasetilo wa khansele ya kgaolo ya Ghanzi, Rre Greg Losibe, o ne a re dithuso tsotlhe tse di gorogang go thusa ba ba wetsweng ke seru sa merwalela ke tomagano ya boeteledipele jwa kgaolo ya Ghanzi. Mme o ne a lebogela thuso ya BMC le go tsibogela kopo ya khansele ka bofefo. Bokhutlo health 6 Puso e tlaa oketsa dithuso tsa leuba Mothusa tona mo lephateng la tlhabololo temo- thuo le dijo, Rre Konstatinos Markus a re puso e sekasekile go tsweledisa dithuso tsa phokoletso ditlhwatlhwa tsa dijo tsa leruo e lebeletse leuba le le mo lefatsheng leno ka bophara. O buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Wenela kwa Maun bosheng. Rre Markus a re ba ne ba kopana le Tautona go mo itsese ka seemo sa leuba, a tlhalosa fa jaanong phokoletso ditlhwatlhwa e okeditswe go fitlhelela Seetebosigo. O tlhalositse fa go tswa foo go ya pele go tlaa boa gape go sekasekwa seemo, mme a gakolola barui go fokotsa leruo la bone, segolo jang dikgomo, go hema gore di jewe ke mmu ka ntata ya leuba. Rre Markus o bile a tlhalosetsa morafe ka madi a a ntshitsweng ke puso go lwantsha kgofa e thamaga e e apesitseng barui ba Okavango kobo ka letshoba. O ba kopile gore ba seka ba hudusa leruo go le isa go sele ka seo se ka phatlalatsa kgofa eo, e e borai thata e bile e anama ka lebelo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Kemo Kaboko a re kopo ya bone go direlwa motshelakgabo gaufi le kampa ya masole go ba thusa go ya kwa kokelong ya Letsholathebe, e ne e dumalwanwe mo DDP7 mme e rile ka DDP8 ya bo e seyo, ga go na karabo gore ke eng go sa diragadiwa. Batho ba kgaolo eo ba ne ba lela ka lenyora le ba reng le tsere phekelo e sele, ba ba tlatsa ka gore ga ba bee kompone ya Water Utilities Corporation sebete, mme ba kopa gore go busediwe lephata la metsi. Kgosana wa kgaolwana ya Wenela, Mme Elizabeth Sekeseke ene o ne a kopa morafe go ya go ikwadisetsa ditlhopho mo poeletsong e e tsweletseng gore ba kgone go tla go itlhophela moemedi yo ba mmatlang. economy_business_and_finance 3 Dikereke di rotloediwa go aga setshaba Moeteledipele wa lekgotla la dikereke tsa semoya la OAIC, Rre Phillimon Motlhagodi o kopile dikereke go nna le seabe mo go tokafatseng lefatshe. Mo potsolotsong le BOPA, Rre Motlhagodi yo gape a eteletseng lekgotla la dikereke tsotlhe la BONECO, o supile fa a tshwentswe ke botlhokatsebe jwa bangwe batho, bogolo jang banana bo jo akaretsang tiriso ya diritibatsi, tlhakatlhakano ya sepolotiki mo lefatsheng gammogo le maduo a bana ba dikolo a a welang kwa tlase ngwaga le ngwaga. “Re dirang re le dikereke go aga Botswana? Re tshwanetse ra nna le seabe go baakanya mathata a a apereng lefatshe. A baruti le baporofiti ba nne le seabe. Dikereke ga di a tshwanela go emela go bidiwa mme re tshwanetse ra ema ka dinao le rona fa re bona go na le tlhakatlhakano, ra tsenya letsogo mo go siamiseng diemo,” o gateletse jalo. O ne a kopa dikereke le makgotla a tsone bogolo jang a a kwa metseng a Ministers Fraternal, go dirisa neo ya bone ya semowa go ama Batswana le go fetola ditiro tse di bosula. A re ba tshwanetse ba tsena mo dikoleng ba rapedisa tiriso ya diritibatsi ka tlhoafalo, a tlatsa ka gore kereke ke yone e ka tsisang tshisibalo le kagiso mo lefatsheng le mo malwapeng tota. Le fa go ntse jalo, Rre Motlhagodi o ne a bua a sa kgwe mathe mabapi le dikereke tse di tsweletseng ka go kgotlela le go leswafatsa tikologo. O tlhalositse fa mo kgaolong ya Legare go na le di-tsa tlholego tse dintsi tse di ka tsisetsang lefatshe madi jaaka makgobokgobo a Old Palapye. Mme a re ka maswabi dikereke di tsweletse ka go leswafatsa lefelo leo ka dinako tsa bone tsa dithapelo, go na le go thusa gore le dirisiwe go ngoka bajanala. “Go lobaka puso e ntse e ngongorega ka kgotlhelo ya tikologo e e dirwang ke dikereke mo mafelong a go tshwana le a, mme nako kgolo ke eno gore re iteke re le dikereke. A dikereke di ntshe megopolo ya go ka tlhabolola mafelo a, mme di bone gore a ka dirisiwa jang go tsholetsa itsholelo ya lefatshe, a tiro ya rona e se nne go ya go rapela fela kwa dikerekeng,” Rre Motlhagodi a tlhalosa. A re dikereke di tshwanetse tsa ipopa mme tsa bua ka lentswe le le lengwe mo dikgannyeng tse di amang botsogo jwa lefatshe, a re seo se ka tlhofofatsa tiro gammogo le go aga lefatshe. Mo go tse dingwe, Rre Motlhagodi o ne a gakolola dikereke go emisa mowa wa go nyatsana, a re go a swabisa gore e re batho ba rapela Modimo yoo esi, ba bo ba nyatsana. A re kereke nngwe le nngwe e na le ditsamaiso tsa yone mme seo se tshwanetse sa tlotlwa ke botlhe. Rre Mothagodi o kopile le baruti go emisa go tlhakanya boporofi le bongaka jwa Setswana, a re seo se tsietsa batho se bo se dira gore ba tlhoboge leina la dikereke ntswa e se tsotlhe tsa baruti ba ba dirang jalo. Mogolwane wa makgotla a dikereke o ne a supa fa a tshwentswe ke dikereke tse di ipayang fela, a re mo Palapye go supilwe fa go na le dikereke tsa bo maipaafela di le masome a mararo le bobedi le fa ntswa tse dingwe dikgang tsa tsone di santse di sekiwa kwa go ba kabo ditsha. O gakolotse dikereke go nna di le malala a laotswe go ka tsibogela tse di diragalang mo lefatsheng, a re ba BONECO ba ititeile sehuba go netefatsa gore lentswe la dikereke le a utlwala le kwa babusing tota. Bokhutlo religion_and_belief 8 E e anyang e leletse... Baokamedi ba maphata ka go farologana ba rotloeditswe go nna sekao mo go ba ba eteletseng pele ka go bereka ka natla le boineelo eseng go lekanya tiro le madi. Se se builwe ke mookamedi wa lephata le le okametseng khiro ya badirela-puso, Rre Carter Morupisi fa a buisa phuthego ya babereki kwa Letlhakane bosheng. A re baeteledipele ba tshwanetse go itse fa ba rwele boikarabelo ka jalo ba rute ba ba ba eteletseng botlhokwa jwa go dira ka natla. A re maikaelelo a lephata la khiro ya badirela puso ke go emisa dituelo tsa go bereka morago ga nako mo badiring ba maemo a magolwane. Rre Morupisi a re go na le ditsela tse dingwe tse di ka dirisiwang go atswa baeteledipele mo mabakeng a ba patelesegang go bereka morago ga nako e ba e dumalaneng le mohiri ntle le tuelo ya madi. O tlhalositse gore dituelo tsa baeteledipele ba maphata ba maemo a a kwa godimo, di botoka thata fa di bapisiwa le tsa ba ba ka fa tlase ga bone ka jalo ga ba a tshwanela go itepatepanya le bone. Rre Morupisi a re jaaka baeteledipele ba tshwanetse ba ruta ba ba ba eteletseng pele, mme mo mabakeng mangwe ba dire tiro ba sa solofela dituelo dipe. Le fa go ntse jalo, Rre Morupisi o akgotse badiredi ba kgaolo potlana ya Boteti mo maitekong a bone a go ntsha ditirelo tsa tlhwatlhwa le gone ka bofefo, segolo bogolo ba lekalana le le okametseng ditirelo tsa botsogo la District Health Management Team (DHMT) le le sa tswang go ikgapela maemo a ntlha ka go tokafatsa tsamaiso ya go ntsha ditlamelo. Rre Morupisi o akgotse gape sekolo se segolwane sa Letlhakane morago ga go tokafatsa maduo a lekwalo la botlhano go tswa mo go a bo masome a mabedi le bosupa ka 2012 go tlhatlogela kwa go a lesome le bone ka 2013. Le fa go ntse jalo Rre Morupisi a re ga go a lekana, badirela-puso ba tshwanetse go dira go feta jaaka ba dirile go tokafatsa maemo a lefatshe le leng mo go one go lebeletswe ka fa setshaba se fiwang ditlamelo ka teng. A re maemo a, ga a mo jese diwelang ka a lemotsha gore go nale dikgoreletsi dingwe mo tirong tse di kgoreletsang go ntshiwa ga ditlamelo ka tsela e e kgotsofatsang di akaretsa boitshwaro jo bo sa nametseng le madiadia mangwe a sa tshwanelang a dirwa ke babereki. O kgothaditse babereki go ikitaya ka thupana go netefatsa gore mafelo a ba berekelang mo go one a lebega le gone gore ba ba kopang thuso ba kgone go phuthologa ba bo ba ikutlwe ba amogelesegile. A re bogologolo e ne e re batsadi ba batlela ngwana wa bone mosadi, gone go lebelelwa mo lwapeng la boitshwaro jo bo eletsegang mo setshabeng e bile le le phepa, le supa fa le tlhokomelwa sentle ka bana ba basetsana, ka jalo a re tikologo e tlhalosa boleng le setho sa yo o berekelang mo go yone. Fa a latlhela la gagwe molaodi wa kgaolo potlana ya Boteti, Rre Loeto Porati o boletse fa a le motlotlo ka kgaolo ya gagwe, a supa fa ana le bodiredi jo bo dirang tiro ka natla le manontlhotlho a a kwa godimo fela thata. Rre Porati a re badiredi ba kgaolo potlana ya Boteti ba tshwere ka natla go tokafatsa boleng jwa ditirelo tse ba di neelang setshaba. A re ba kgona jalo, ka ba dira ba le seopo sengwe, a tlatsa ka gore go bereka mmogo go thusa gore ba kgone go tlosa dikgoreletsi tse di ka kgoreletsang gore setshaba se thusiwe sentle le gone ka bofefo. Mokwaledi wa khansele potlana ya Boteti, Rre Motshwariemang Matseka, o ne a lebogela loeto la mookamedi wa lephata la khiro ya badirela-puso a re, o kgonne go tlhatswa dikgang dingwe tse ba ntseng ba di utlwalela ka podi ya tsela mme ba sena bonnete jo bo tseneletseng ka tsone. Ends society 9 Go gweba ka mmele kwa Chobe go a tshwenya Mopalamente wa kgaolo ya Chobe, Rre Ronald Shamukuni o boletse fa a tshwenngwa ke go golela pele ga kgwebo ya go ithekisa mmele ga bangwe mo kgaolong ya gagwe. O boletse se mo phuthegong ya kgotla kwa Kazungula bosheng. Mopalamente o boletse fa kgwebo e, e ne e tlwaelesegile thata ka batswakwa mme jaanong seo se fetogile ka Batswana le bone ba setse ba inaakantse le yone. O ne a ba gakolola go inaakanya le go batla ditiro kwa borogong jo bo agiwang go kgabaganya noka ya Zambezi. “Kago ya boroko e tloga e simolola mme a re boneng gore re a ikatumetsa ka moono e le go tlhama ditiro,” a ba gakolola. Rre Shamukuni o ne gape a leboga banni go bo ba nnile le seabe mo ditlhophong le go diragatsa tshwanelo ya bone ya go tlhopha. O ne a ba itsise fa Palamente e sekaseka molao wa go kwadisa dikereke fa di na le maloko a le makgolo mabedi le masome a matlhano e seng lesome le le ntseng le dirisiwa. Banni ba ile ba supa fa palo eo e le nnyennyane, ebile e tlhoka go okediwa go nna makgolo mararo kana go feta. Kgosi Morgan Makhanga, fa a lekodisa mopalamente o ne a mmolelela fa sekolo se se botlana sa Kazungula se pitlaganye mme ba tlhoka go agelwa sekolo se sengwe ka gore motse wa bone o a gola. O ne a ikuela gape gore Kazungula Newstance ga e na metsi le motlakase mme le kokelwana le yone a re e nyenyane ga e ba lekane. Fa banni ba lekodisa mopalamente ka matshwenyego a bone, ba ne ba supa fa ba sa itumedisiwe ke dithuso tsa lephata la ditsha. Rre Keitheng Jakoba, yo e leng monana o ile a tlhalosetsa mopalamente fa dikgwebo tsa banana di tswetswe tsotlhe ka gore ditsha tse ba di fiwang di le kwa sekgweng kwa go senang metsi, motlakase le ditsela. Mme Gababonwe Ntema ene o ne a bolela fa ene tshimo ya gagwe e ngathilwe mme le gompieno a ise a duelwe ke ba lephata la ditsha. Rre Simasiku Matengu o ne a supa fa a sa jesiwe diwelang ke sepatela sa Kasane, mme o boletse fa seemo sa sepatela se tshwenya ka gore dikago tsa sone di setse di tsofetse le dithuso tsa sepatela di sa tswe sentle ka gore ba kgona go tlhoka melemo teng. Mopalamente Shamukuni o ne a tlhalosa fa a tsere Mothusa Tona wa botsogo Rre Alfred Madigele go ya go bona seemo sa sepatela mme a iponela ka a gagwe matlho seemo sa sepatela se fa se le maswe mme go tlhokega se sesha. religion_and_belief 8 Boikgapho konokono - moruti Moruti wa kereke ya St John Anglican Church Bishop Metlhayotlhe Beleme o kopile maloko a kereke eo gore a nne le boikgapo ka se se ka netefatsa tshireletsego ya lelwapa leo la Modimo. O buile mafoko a ka mafelo a beke mo moletlong o kereke eo e neng e amogela moruti wa yone Botshabelo Beleme mo Tsabong. Bishop Beleme o boleletse phuthego gore go botlhokwa gore ba itseye ka maitseo ka seo se ka netefatsa kagiso le tshisibalo. O tsweletse a tlhalosetsa phuthego gore kereke eo e tlhaela ka baruti mme a kopa phuthego gore e rotloetse banana go tsenelela dithuto tsa boruti gore ba tle ba arabe letlhoko leo. Bakereki ba St John ba ne gape ba gakololwa gore ba tshwanetse go ema moruti wa bone yo mosha nokeng gore a tle a kgone go dira ditiro tsa gagwe sentle. Fa a tswa la gagwe, moruti Beleme o supile fa a itumelela gore a bo a filwe sebaka sa go bereka le maloko a kereke eo a kgaolo ya Kgalagadi Borwa, a tlatsa ka gore botsadi jo bo ntseng bo eteletse kereke eo pele moruti a seo bo dirile tiro e ntle. O supile fa a tlaa amogela dikgakololo fa ene a solofetse lerato le tirisano mmogo ka se se tlaa ba kgontsha go aga lelwapa la motia, a supa fa thomo ya gagwe e le ya batho botlhe mo kgaolong e seng bakereki ba St John fela. Moruti Baleme o tlhalositse fa a tlaa seke a letlelele maitsholo a a sokameng mo kerekeng a bo a tlatsa ka gore ba tshwanetse go itse gore dikgwetlho tse ba ka kopanang le tsone ba ka di fenya fela ka mohau wa Modimo. Mme Mariam Tsietso yo e leng mongwe wa bagolo ba kereke eo o supile fa go goroga ga moruti go tsisitse diphetogo le tsholofelo ka jaana a tsosolositse makalana, mme a re o solofela fa kereke e tlaa golela pele. A re e re ntswa moruti a le mosha go goroga mo kgaolong o setse a etetse bagodi, balwetse le magolegwa mme a ba rapelela go sa kgathalesege gore a ke maloko a kereke eo kana nnyaa. religion_and_belief 8 Banni ba Mmatshumo ba kopiwa go tlotla seso Kgosi Keletshwaretse Phetsogang wa Mmatshumo mo kgaolong potlana ya Boteti o kopile banni ba motse oo go nna le setho mo losong. Kgosi o dirile kopo eo mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi, e e neng e itebagantse thata le boitshwaro jwa bomme. Kgosi o supile fa a tshwengwa ke kafa bomme bangwe ba sa apareng sentle ka teng mo dintshong, mo a reng ga go supe fa ba tlotla loso. O supile fa banni ba sa tlhole ba na le tlotlo mo losong gammogo le go le ilela jaaka gone go ntse bogologolo. Kgosi Phetsogang a re o biditse phuthego morago ga gore bomme ba ngongorege ka dilo dingwe tse di diragalang mo dintshong, tse di akaretsang go rwala dihutshe, go apara bokhutshwane, go itsaya dinepe ko mabitleng le go nna digongwanagongwana ba tsositse modumo tirelo ya phitlho e tsweletse. Banni ba ne ba dumalana le Kgosi ka bongwefela jwa pelo fa e le nnete go tlotla loso go nyeletse mo motseng, ka jalo ba tswa ka mogopolo wa go emisa seemo seo. Ba ne ba supa fa ba le kgatlhanong le bomme ba ba rwalang dihutshe le ba ba aparang bokhutshwane mo dintshong. Ba tlhalosa gore mme o tshwanetse a apara mosese oo tshethileng, a bofa tukwi a bo a bipa magetla fa a ya losong. Ba ne gape ba dumelana gore ga ba na go letlelela mekgwa e ya go tlhoka botho mo dintshong, ba tlhalosa fa ba tla lebelela, mme ba tseele dikgato ba ba dirang jalo. Kgosi o tlhalositse fa a itumelela gore bomme ba lemogile fa ba ntse ba sa dire dilo sentle, a tlatsa ka gore mogopolo o ga se go kgokgontsha ke go leka go baakanya motse. Kgosi Phetsogang o kopile barekisi ba bojalwa go obamela melao ya thekiso ya bojalwa, ba dira jalo ka go bula le go tswala ka dinako tse di beilweng le go fokotsa modumo ka malatsi a boitapoloso. O ne gape a gakolola sechaba go itswara sentle ka malatsi a boitapoloso ka se se ka fokotsa dikotsi sa tsela. BOKHUTLO society 9 Goya o rotloetsa talente ya go kwala Talente ya go kwala dibuka ke nngwe ya dilo tse di ka tlhamelang Batswana ditiro. Fa a bua kwa tshimolodisong ya buka ya Rre Goya, yo e bileng e le mopalamente wa Palapye, a re Moruti Sebutlana o tshwanelwa ke go ntshetsa botlhale jwa gagwe mo setshabeng gore bo tle bo solegele Batswana le lefatshe ka bophara molemo ka gore go kwala dibuka go a tlhokega, bogolo jang ka gore bakwadi ba dibuka ba a balwa mo lefatsheng leno. A re buka e ka Setswana e bidiwa ya dipadi tsa botshelo mme e ruta Batswana ka go tokafatsa botshelo jwa bone, bogolo jang ka e ganeletse mo go ruteng ka sekeresete. Buka e e supa fa Modimo a ruta batho gore ba seka ba ineela mme ba nne ka tsholofelo ya gore botshelo jwa bone bo tlaa tokafala. A re buka e e botlhokwa mo botshelong jwa motho, bogolo ka malatsi ano batho ba lebagane le dikgwetlho tse dintsi tsa botshelo. O rotloeditse Batswana gore mongwe le mongwe a itshegele tema ya gore o ya go dira eng mo ngwageng o o simologang go isa lefatshe leno kwa pele. A re fa e le gore ba ne ba sa atlega mo ngwageng o o fetileng ba tshwanetse ba leka go lwela gore o o simologang one ba tle ba atlege. Rre Goya o ne a ba rotloetsa gore ba simolole go tlhatlhoba matshelo a bone ba bo ba dirisa buka e ka gore e ka ba tsenya mo legatong le le ntle la botshelo. O ne a ba rotloetsa go bala, a re go ka ba thusa gore ba seka ba fenngwa ke mmaba yo o ka ba isang thaelong, bogolo jang banana ka e le bone gantsi ba tshabelelwang ke go kgokgontshiwa. Fa a tswa la gagwe, Moruti Sebutlana o ne a re buka e e mosola, segolo jang ka e ruta ka tsholofelo ya botshelo. A re gape e supa gore e ka ba thusa batho go ralala dikgwetlho mme kwa bofelong ba fenye. education 4 Kgotlholo e tona e a tshwenya kwa Mokobeng Modulasetilo wa komiti ya botsogo kwa Mokobeng, Mme Sennye Gabokgongwe a re bolwetse jwa kgotlholo e tona bo apesitse motse wa bone kobo ka letshoba. Mme Gabokgongwe a re bolwetse jwa kgotlholo e tona ke bongwe jwa malwetse a a itsegeng a le borai. A re bo ka alafesega fela fa batho ba ka emela botsogo jwa bone ka dinao. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Gabokgongwe a re kgotlholo e tona e gola ka dipalo tse di kwa godimo lebaka e le gore banni ga ba kgathale ka botsogo jwa bone. O boletse fa kgwedi le kgwedi kokelwana ya Mokobeng e kwadisa molwetse wa TB. A re go lebega fa batho ba le maoto a tshupa go amogela dikgakololo tsa baoki ka malwetse one a tsweletse ka go ama batho ka dipalo tse di kwa godimo. O tswelela a tlhalosa gore go tlhabisa ditlhong fa go santse go na le batho ba ba maoto a bonya go ya go itekodisa ntswa lephata la botsogo le dira ka gotlhe go isa ditlamelo tsa botsogo gaufi le batho. A re gangwe le gape lephata leo le gasa molaetsa ka diromamowa kgang e le go ruta setshaba ka malwetse ka go farologana ga one health 6 Mo-tlhoka pono o loga ditlatlana Mme Kemmonye Ketsholang wa Xhaxhaba mo kgaolong ya Nhabe ke sekao sa puo e e reng bogole ga se go tlhoka bokgoni ka le fa a sa bone o itshetsa ka go loga ditlatlana. Fa a buisana le BOPA, Mme Ketsholang o tlhalositse fa a tlhokile pono a sa le mmotlana morago ga go tshwarwa ke bolwetse jwa mmokwane a le dingwaga di ka tshwara botlhano. Mme Ketsholang yo o itshetsang ka go loga ditlatlana,mekgabisa ya diatla, meseme le mekgabisa ya mo matlong le mo mafelong a bojanala jaaka dihotele, a re o simolotse tiro ya gagwe a sa le mmotlana. A re ka go twe tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng, o kwataboloditse kitso ya go loga mo go mmaagwe. “Ke latlhegetswe ke pono gotlhelele, ka jalo go ne go se motlhofo ka ke tshwanetse go kgabisa ke dirisa mebala e e farologanyeng, mme ke ne ka kgona ka go ithuta go baya mebala e e farologaneng mo matsogong a a farologaneng le go bofa ka go farologana, mme ke dira jalo fa ke sena go botsa ba ke logang le bone,” ga tlhalosa jalo Mme Ketsholang a nyenya. Mme Ketsholang o bile a tlhalosa fa mo bogompienong a bereka a tsentse marapo dinameng ka gore paka ya bajanala e a simologa, ka jalo ba tshwanetse go mo fitlhela a feditse bontsi jwa dilwana tsa gagwe. A re bajanala ba nna ba etela motse wa bone go tla go reka dilwana tsa bone, a tlatsa ka go re tse dingwe ba di romela kwa Maun le madirelo a a fitlhelwang koo. Le fa go ntse jalo, Mme Ketsholang o tlhalositse fa a sa ntse a sa thusiwa ka lenaneo lepe la puso, mme a re o ne a kanokilwe ke ba khansele jaanong o letetse phetolo. O boletse fa a eletsa go godisa kgwebo ya gagwe ka jaana e kgonne go mo tsenyetsa ngwana sekole le go tsenya phaletshe mo ntlong. Mme Ketsholang a re dingwe tsa dikgwetlho tse a kopanang le tsone ke go bona dibapalwa nageng tse a di dirisang go loga, e leng matlhare a mokolwane. O boletse fa a tshwanelwa ke go dirisa dipoelo tse dingwe go reka didirisiwa mo bathong ba bangwe, mme a re ka didirisiwa tse di bonwa kgakala, o felela a di reka boturu, selo se a reng ke poelo morago. Mme Ketsholang a re ga a kgone go ya go itseela didirisiwa mo nageng ka e le mo-tlhoka pono ka e bile ba tshelela mo lefelong la diphologolo tse di borai jaaka ditlou le dibatana. “Ke ka rata go raya batho ba ba tshelang le bogole gore ba seka ba inyatsa ba bo ba ineela mo botshelong ka gore bo-na-le bogole ga se phelelo ya botshelo, ba tshwanetse go tshwara ka thata go dira sengwe se se amogelesegang ka matshelo a bone. Ke tlaa rata go raya malwapa a a tshelang le ba-na-le bogole ke re ba ba ntshetse mo pontsheng ba seka ba ba fitlha gore ba kgone go bona dithuso,” ga feta jalo mologi wa ditlatlana. A re o eletsa gore ba lephata la kabo ditsha ba mo abele setsha sa kgwebo, a tlhalosa fa a batla dithuso tsa madi tse di ka mo kgontshang go godisa kgwebo ya gagwe go nna le marekisetso a e leng a yone. O ne a wetsa ka go re o ka itumela fa a ka supa dilwana tsa gagwe kwa ditshupong tsa Gaborone. BOPA economy_business_and_finance 3 Bagodi kwa Ngware ba solofetsa go dira dilo botoka ka nako ya kamogelo Bagodi bangwe ba Ngware kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba solofeditse go fetola ka fa ba dirang dilo ka teng ka nako ya kamogelo ya madi a bagodi. Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Kgosi Kgotla Kobelwane wa motse oo bosheng. Mongwe wa bagodi, Rre Dipuo Motshegare o solofeditse gore boitshwaro jwa go kgarametsana mo meleng go sa rekegelwe ba-na-le bogole, go sa buise bodiredi jo bo amogedisang sentle, ke dingwe tse di ntseng di dirwa ke bangwe bagodi mme a re ba ikaelela go di fetola. O tlhalositse gore ba ikaelela go dirisana ka neelano ka jaana ba tlhophile baithaopi ba ba tla laolang mela ka nako ya kamogelo, ka go kwadisa maina a bone go ya ka yo o tsileng pele. Mongwe wa bagodi, Rre Ontiretse Kgotlhang, a re tlhakatlhakano e e nnang ka nako ya kamogelo e dirwa ke go fola mela go sa dumalanwa sentle gore go folwe kae. A re ketsaetsego eo e baka ke gore bangwe ba fole mola mo leobong la kgotla fa ba bangwe ba fola kwa ofising ya kgotla. E ne e rile go le pele, Kgosi Kobelwane a tlhalosa fa boitsholo jo bo ntseng bo dirwa ke bangwe ba bagodi ka nako ya kamogelo e se jo bo jesang diwelang. A re boitsholo joo ga bo a siama mme bo ka felela bo baka khuduga ya bodiredi ka jalo bagodi ba tlamege go latela ditirelo kwa Letlhakeng. Mokhanselara wa kgaolo ya Ngware, Rre Ontatlhile Selatlho, ene o tlhalositse fa a itsisitswe ka matshwenyego ao ke bodiredi jwa poso fa bo tsile go amogedisa bagodi, mme a re bo ntse bo tsweletse mo dikgweding tse tharo ka go tlhomagana. A re o ne a itsisiwe ka matshwenyego a ke mogolwane wa poso, a tlhalosa fa badiri ba poso baba yang koo ka go fapaana kgwedi le kgwedi bo lela selelo sele sengwe. Rre Selatlho a re boitshwaro joo fa bo ka tswelela botla pateletsa bodiredi ja poso go emisa go isa ditirelo kwa motseng oo mme seemo seo se tlame bagodi go itatelela madi kwa Letlhakeng, seemo se a reng se ka kokonela bangwe ka go tla bo go tlamega gore ba tsamae sekgala se seleele. Mengwe ya megopolo e bagodi ba duleng ka yone go fetola boitshwaro e akaretsa go neela ba sepodise ope yoo tla kgoberang kagiso ka go sa itshwareng sentle. BOKHUTLO society 9 Batswana ba kopiwa go itshekatsheka Kgosi Segale Letshele wa Jwaneng o kopile Batswana go itshekatsheka le go fetola maitsholo mabapi le HIV/AIDS. E rile a bua kwa merapelong kwa kgotleng ya Jwaneng bosheng, Rre Letshele a re batho ka bongwe ka bongwe ba tshwanetse go itshekatsheka go bona gore seabe sa bone ke eng mo go lwantsheng bolwetse jo. A re puso e dule ka mananeo a go lwantsha mogare wa HIV mme go tlhabisa ditlhong gore Batswana ba bo ba tsenwa ke mogare. A re go botlhokwa gore batho ba nne le seabe se se tseneletseng gore puso e tle e kgone maikaelelo a yone a go emisa go tsenwa ke mogare o mosha. Kgosi Letshele o tsweletse a tlhalosa fa puso e senyegelwa ke madi mo go thuseng Batswana ka mananeo, selo se a reng se ama ditlhabololo tsa lefatshe leno. A re dipaltisiso di supile fa bomme e le bone ba amiwang thata ke seemo sa mogare, a tlatsa ka gore mo lefatsheng ka bophara seemo sa mogare se tsamaya kwa go lesome le boferabobedi le sephatlo mo lekgolong , mme mo dipalong tse bomme ba feta masome a mabedi fa borre bone e le go feta lesome le botlhano. A re toropo ya Jwaneng ke nngwe ya mafelo a mogare o anameng ka dipalo tse di kwa godimo, jaaka go supegile fa batho ba feta lesome le bobedi mo lekgolong ba na le mogare. A re le gone go ntse go supa fa bomme e le bone ba amilweng thata ke mogare ka dipalo tsa bone di feta lesome le borataro fa tsa borre tsone ele borobabobedi le sephatlo fela. Rre Letshele o boletse fa dikgang di tshwana le kgokgontsho ya bong le go tlhoka go itseela ditshwetso ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo e le dingwe tsa tse di dirang gore dipalo tsa bomme ba ba tsenwang ke mogare di bo di golela pele. O kopile borre go ema ka dinao go babalela malwapa a bone ka go fetola maitsholo gore lefatshe leno le tle le fenye ntwa kgatlhanong le segajaja se. A re ere ntswa ngwao e le selo se se botlhokwa mo matshelong a batho, go botlhokwa gore go sekasekwe ditsetlana tsa yone tse di senang boleng e bile di sa age botshelo jwa motho. A re nako e gorogile gore ditumelo tse dingwe tsa ngwao di seegelwe fa thoko fa e le gore di tsenya botshelo le botsogo jwa motho mo diphatseng. O ne tswelela gape a tlhalosa gore e re ntswa dipalo tsa boimana jwa banana mo toropong ya Jwaneng di fokotsegile, palo e e setseng ya borataro mo lekgolong e ntse e a tshwenya ebile e tshwanetse go emelwa ka dinao go e nyeletsa gotlhelele. A re ga go a tshwanela gore e bo go santse go na le bana ba ba imang ka jaana go senya bokamoso jwa bone. O kopile batsadi gore ba bue ba phuthologile ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo le bana ba bone gore ba ba fe kitso ya boammaaruri. A re go sa nneng jalo go tlaa dira gore ba anywe kitso e e seng yone mo ditsaleng tsa bone mme ba felele ba le mo diemong tsa boimana gammogo le malwetsi a dikobo a akaretsa HIV/AIDS. Rre Peter Matthys wa lekgotla la baruti o ne a tlhalosa fa thapelo e le botlhokwa fela thata ka jaana mogare wa HIV e santse e le kgwetlho mo lefatsheng leno. A re bolwetsi bo tsweletse ka go anama ntswa puso e ntshitse mananeo a go bo lwantsha, le mo go one masea a a iseng a tsholwe tota. A re e le ba dikereke ba bone go tshwanela gore ba etelele tiro ya go nna jalo kwa pele ka maikaelelo a go tlisa tshepho mo morafeng wa Jwaneng gore ntwa e santse e ka fenngwa fa go ka nna le boikgapho le phetolo maikutlo mo go tsa tlhakanelo dikobo. A re e re ntswa ba rera efangele ya gore Jeso o a fodisa, ba na le boikarabelo jwa go tlhomamisa gore maloko a bone a a mo kalafing ya mogare oo a nwa melemo sentle mme ebile ba setse ditaelo tsa bongaka morago health 6 Metshameko konokono ya botsogo Go bolelwa fa metshameko e le botlhokwa mo botsogong ka e thusa go koba makoa mo mebeleng. E rile a bua kwa letsatsing la itshidilo mmele le le neng le tshwaretswe kwa motseng oo bosheng, modulasetilo wa komiti ya tsa itshidilo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ebile e le kgosi ya Mambo, Rre Obuile Mambo a re ba tshwentswe ke batho ba ba sa jeng sentle fa godimo ga moo ba le boitseme go ka itshidila. A re Batswana ka bontsi ba tshabelelwa ke makoa a ba ka bong ba a lwantsha ka go itshidila le go ja dijo tse di nang le moroko ka di thusa gore madi a fologe sentle le ditshika mo mmeleng. A re fa Batswana ka bontsi ba ka itshidila mebele, malwetse a a akaretsang jwa madi a matona, jwa go tlhaelelwa ke madi le jwa sukiri a ka bo a sa gatelela bontsi jwa batho jaaka dipalo tsa ba botsogo di supa. O boletse gore mokgatlho wa gagwe o tsamaya le metse ka go farologana mo kgaolong morago ga dikgwedi tse tharo go rutuntsha le go itshidila mmogo le banni ba metse eo. Kgosi Mambo o supile fa mo legatong le le fetileng kwa motseng wa Kgari, ba thusitse le go phepafatsa motse ka jaana bophepa le jone e le tsela nngwe e e rotloetsang botsogo jo bo siameng. Kgosi Mambo a re e re ka ba bereka le batho ba ba farologaneng letsatsi le letsatsi, bangwe ba bone e le ba ba a bong ba tlile go ikuela, go tlaa bo go le thona gore ba ba fitlhele ba le mo seemong se se sa itumediseng ebile se sa ba letle go ka ba thusa ka botlalo jaaka go solofelwa. O tsweletse ka go supa fa dikgwetlho di le dintsi thata mo matshelong a segompieno ka jalo go le botlhokwa gore ba sidilwe maikutlo gore ba seka ba kgoreletsega go ntsha maduo mo ditirong. Mo ntlheng e sele, o kgadile mokgwa o mo go one batsadi ba laolwang ke bana ba bone go itlhophela se ba batlang go se ja. A re bana ka bontsi ba gana go ja dijo di tshwana le mabele ba ipeile fela mo dijong tse di senang dikotla. O kopile batsadi go gagamatsa molao fa go tla mo go tsa itshidilo le dijo a bo a ba tlhagisa gore ba seka ba letlelela bana go ba tseela ditlhaloganyo segolo jang fa go tla mo go se se tshwanetseng go jewa. A re bontsi jwa bana ba tsaya nako ba a ja dijo tse di sukiri mme ebile bangwe ba lebeletse dithelebishini go na le go itshidila mebele ka metshameko e e farologaneng. E rile a tswa la gagwe, leloko la komiti eo ebile e le kgosi ya motse wa Letsholathebe, Rre Gillard Letsholathebe a re letsatsi le tshwana le leo le tshwanetse go tsewa ka manontlhotlho ka le thusa go tlisa pharologanyo mo matshelong a Batswana. A re o akgola botlhe ba ba tsayang nako ya bone go itshidila gonne seo ga se a tshwanela go nna tiro ya batho basweu fela ka e le bone ba tlwaetsweng ka go itshidila. A re go itshidila go fokotsa dipalo tsa ba ba ikopang mo ditirong ka mabaka a malwetse, a supa fa gape go ikopela ruri mo tirong go dia go ntsha maduo mo ditirong ebile go ama le yone itsholelo ya lefatshe. Mokwaledi wa makgotla a Setswana, Mme Kebabonye Phillip a re maphata a tshwanetse go nna le mekgatlho e e eteletseng pele tsa itshidilo go goga ba ba saletseng kwa morago. A re e le ba tsamaiso ya makgotla a Setswana tiro ya bone ga se go atlhola le go sekisa batho fela mme ba tshwanetse go bona gore ba dira seo ba itekanetse mo mebeleng, mowa le tlhaloganyo. Mme Phillip o tlhalositse fa metshameko e se ya bana fela mme e le ya botlhe ka e na le maduo a mantle mo matshelong a batho ka go farologana. Banni ba motse wa Letsholathebe ga mmogo le babereki ba makgotla a Setswana ba ne ba itshidila mmogo ka go tshameka kgwele ya dinao, bolotloa ga mmogo le mabelo. health 6 Arie o ipela ka mekgabisa ya setso Mme Nakisani Arie yo o tlholegang kwa Mabesekwa mo kgotleng ya Mokuelele o supile maitemogelo a gagwe mabapi le go tsaya ka tlhoafalo botswerere e le tsela ya go itshetsa. Mme yo o inaakantse le go loga dibaga, ditlatlana, go bopa dinkgwana tsa setso, go loga matlhowa, go suga matlalo le go dira diphate le dithoto tse di akaretsang go dirwa ka letlalo jaaka ditlhako, mabante, dibeke tsa makgarebe le paka ya mmino wa setso. Mo godimo ga moo, Mme Arie ke mmetli wa legong go dira dikika, metshe, meropa, ditilo, megori, diphetlho le ditshwantsho ka mefuta. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Arie go tswa bonyaneng jwa gagwe o tshidile a nna le nkukuagwe Mme Keleabetswe Arie ga mmogo le Rraagwemogolo, Rre Arie Phathane. A re batsadi ba ne ba nna le ene kwa merakeng ya Mabesekwa mme e bile e ne e le bommantswitswidi ba ditiro ka bontsi tsa ngwao. O ne a tlatsa ka go supa fa go nna bo mmantswitswidi moo ga botsadi go ne ga ba rotloetsa go dira dithoto tsa ngwao go di rekisetsa banni le baeng ba ba neng ba etela Mabesekwa. Mme Arie o boletse fa e ne ya re ka dingwaga tsa 2010 le 2011 ka tatelano, botsadi jwa gagwe jwa hulara. Mme ka ba ne ba mo tlogeletse boswa jo bo sa feleng, a re o ne a bona go le molemo go tsweledisa fa batsadi ba tlogetseng teng gore kgabagare a tle a kgone go ikisa meriting. O boletse fa a ne a tsaya ka tlhoafalo tiro e ya gagwe e a saleng a e ratile go tswa bogologolo mme gompieno jaana, Mme Arie kwa motseng wa gagwe ke ene mmantswitswidi le ditshaba di paka seo. A re mme mo dithotong tsa letlalo o remeletse thata mo go itsolopanyeng go dira kapari ya mmino wa setso ya phathisi, borankana le Hosanna a direla ditlhopha ka go farologana tsa mono gae. Mme Arie o tlhalosa fa a remeletse mo kaparing ya mmino wa setso ka e na le letseno le le kgatlhisang mme e bile o bona thotloetso go tsweng le kwa toropo kgolo Gaborone. “Matlalo a me a ke a dirisang ke a suga Setswana. Ke bodisa boboko jwa leruo ke bo ke bo tlhakanya le lobebe lwa mashi go dira motswako,’’ a supa jalo. O ne a tlhalosa fa go bo a dira jalo e le gore letlalo le kgone go nna boloulou mme gape le seka la tshabelelwa ke go jewa ke dingwe ditshidi jaaka tshole. A re fa a le sugile ka tsela e, o a bo a feditse ka lone mme o ka dira se a sebatlang ka lone a sena bothata bope mme e bile kwa pheletsong le ka se re sepe le fa le le mo tirisong. O supile fa ka letlhoko la ditsompelo a ne a suga palo e potlana ya matlalo. A re seo se ne se mo kgoreletsa go dira go le go ntsi. Mme ka Modimo a sa je nkabo, Mme Arie o ne a bona kgolo mo kgwebong ya gagwe fa Tautona yo o sa tswang go fologa setilo, Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama a ne a lemoga maikaelelo a gagwe ka go mo abela mekoro e mebedi go e dirisa go suga letlalo, tshipi e e gosang letlalo le tse dingwe ditsompelo tse a neng a di tlhoka. A re go abelwa dimpho tseo o ne a itela mo go Tautona wa pele fa a ne a ba jetse nala kwa kgotleng go tla go lekola ka seemo sa bone sa itsholelo le go utlwa ka matshwenyego a bone. Gape a re o motlotlo ka thuso eo ya ga Tautona wa pele mme e bile o tlaa mo gopola ka yone ka e nnile le seabe mo go godiseng kgwebo ya gagwe. Se se molemo ka mme yo ke gore o ruta bana ba gagwe se a se dirang gore jaaka le ene a kwataboloditse mo botsading jwa gagwe le dikokomane tsa gagwe di tseeletse gore kgabagare serodumo sa lelwapa la bone se tswelele se bonala. O tlhagisitse fa ngwao e le boswa jo bo sa feleng mme ka jalo a ikuela mo Batswaneng ba bangwe go ruta le go lemotsha dikokomane ngwao ya lefatshe leno, seo e le tsela nngwe ya go e somarela go ya go ileng. A re le ntswa mo malatsing a segompieno go tshelelwa mo dipakeng tsa diphetogo tsa maranyane a sesha, seno ga se a tshwanela go dira gore Batswana ba ikgatholose ngwao ya bone e e leng yone e nnileng le seabe mo go ageng setshaba seno e leng sone. Mme Arie o tlhalositse fa ka letseno le a le boneng mo kgwebong e ya gagwe a setse a kgonne go ikagela ntlo ya dikamore tse pedi le sephatlo. A re gape o kgona go itlamela le bana ba gagwe, mme fa ba ya kwa dikoleng tse dikgolwane ga a ke a taboga lepaapaa go batla madi a paka ya sekole le ditsompelo tse ba di tlhokang jaaka dikobo le mhago. Go sa le foo, Mme Arie o kgothaditse Batswana go lemoga botlhokwa jwa go ipelega ka go ribolola botswerere jo ba nang le tsone. A re o ngomolwa pelo ke go bona batho bangwe ba aperwe ke lehuma le le tseneletseng ba batla go ikaega fela ka puso go ba direla sengwe le sengwe le ntswa ba na le matsogo le ditlhaloganyo go ka ikakanyetsa go ipetlela bokamoso. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Kgosi Kgari o akgola Sefalana E rile ka Labotlhano kwa Molepolole, Kgosi Kgari III wa Bakwena a iteela legofi lebentlele la Sefalana jaaka fa le ne le abela ba ba tlhokileng lesego dimpho. Kgosi Kgari III o akgotse lebentlele leo ka e bile a re ga se la ntlha le dira tiro eo, a re mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng le ntse le itshwaragantse le ba ofisi ya boipelgo ka moono wa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. O supile fa a itumelela gore bogogi jwa lebentlele leo ga bo dire maretshwa a gore dimpho tse di ajwang ke lebentlele di fiwe ditsala tsa bone. A re ba dira jalo ka go akaretsa maphata a puso go ba thusa go sekaseka ba ba ka abelwang. Kgosi Kgari III o ne a kopa ba ba abelwang dimpho go di amogela ka matsogo a mabedi ba sa di galale mme a kopa ba lebentlele gore ba seka ba emisa tiro e, mme a ba kopa go tsenya lentswana mo go thuseng Bakwena. E rile a tswa la gagwe, moeteledipele wa Sefalana, Rre Kagiso Mogopodi a supa fa ba itumelela go nna karolo ya Molepolole, ke ka moo ba boneng go tshwanela gore ba nne le se ba se direlang morafe wa motse oo. A re tiro e ya go abela ba ba tlhokileng lesego ba e simolotse ka 2014 mme jaanong ke tiro e ba e dirang ngwaga le ngwaga. O boletse fa ba ikopanya le laphata la ba boipelego gore ba ba fe maina a batho ba ba ka ba thusang ba tswa mo malwapeng a a farologaneng a le matlhano, e bile a supa fa batho ba, ba farologana ngwaga le ngwaga. Rre Mogopodi a re monongwaga ba dirisitse P9 799 go rekela batho bao dimpho tse di akaretsang dijo, melora le dikobo. E rile a tswa la gagwe, mogolwane mo ofising ya boipelego mo kgaolong-potlana ya Molepolole-Lentsweletau, Mme Bontsheng Mpoko a supa fa ofisi ya gagwe e lebogela tiro e. O ne a kaya fa ofisi ya gagwe e ne ya tsaya tshwetso ya gore thuso e ba Sefalana ba neng ba tla ka yone ba e fetisetse mo baneng ba e leng dikhutsana mme ba dule mo lenaneong la go thusiwa ke puso ka lebaka la gore ba setse ba godile. Mme Mpoko a re puso e le nosi e ka seka ya kgona go tlhokomela batho ba ba tlhokileng lesego, ka jalo ba leboga fa dikgwebo tse di farologaneng di tshwana le ba Sefalana di tsweletse ka go thusa. BOKHUTLO society 9 Molemi o sola pula molemo Molemi mongwe wa monana kwa Kalamare o tsere tshwetso ya go sola dipula tsa bosheng molemo ka go itirela tshingwana mo lwapeng. Mme Bagomotsi Mogoadile wa dingwaga tse di masome a mararo a re e re ka pula e le gone e gosomanang, o bone go le botoka go itirela tshingwana e a lemileng mmidi le dinawa mo go yone. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Mogoadile a re o lemile dinawa le mmidi ka di le bogadi bo gaufi mme e bile a solofetse go bona morogo wa dinawa mo tshingwaneng eo ya gagwe. O tlhalositse fa a tlhophile go lema mo lapeng eseng kwa masimo jaaka tlwaelo, ka gore paka ya mariga e setse e atametse mme e sa siamela dijwalo. A re go lema masimo ka nako e, go kotsi ka jaana molemi a ka iphitlhela a senyegetswe ke peo fa paka ya mariga e ka fitlhela dijwalo tseo di ise di gole a tlatsa ka gore phefo ya mariga ga e a siamela dijwalo. O tlhalositse fa le ene fela jaaka balemi ba bangwe a ne a ikaeletse go baya tema kwa masimo mme dipula tse di boutsana le mogote o o feteletseng di ne tsa phirimisa maikaelelo ao. A re e re ka go lebega ekete nako e pula e tlwaelesegileng go na ka yone e fetogile, mmuso o tshwanetse go dira ditshekatsheko tse di tseneletseng mo dipeong gore o neele balemi peo e e ka kgonang go itshetlela ka nako ya mariga. society 9 Ba Lerala ba batla tlhaloso ka tsholofetso ya sepatela Mopalamente wa Lerala/ Maunatlala, a re o tlaa dira bojotlhe gore tona wa botsogo le boitekanelo, Dr Alfred Madigele a etele motse wa Lerala go tla go bua ka kgang ya bone ya sepatela. Rre Prince Maele o buile se fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng. Rre Maele o ne a tsibogela dikakgelo tsa komiti ya ditlhabololo tsa motse le banni bangwe ba motse wa Lerala. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Lerala Bokone, Rre Keitumetse Baithumi o ne a kopa Rre Maele go tlhalosetsa morafe ka kgang ya sepatela se ba kileng ba se solofediwa le go tlhalosa kgang e ba kileng ba e solofediwa ke Mme Dorcas Makgato fa a santse e le tona wa botsogo le boitekanelo ya go atolosiwa ga kokelwana ya bone ka lenaneo la ESP. Rre Kebaabetswe Setlhong ene o ne a kopa mopalamente wa bone go sekaseka kgang e ba kileng ba e akanya e le ba motse wa Lerala e ba neng ba batla go roma bangwe ba ba tlaa yang kwa go tona yo o maleba go ya go botsa ka kgang ya sepatela. Ka jalo Rre Maele o ne a itsise banni fa a ne a kgona go kopana le Tona Madigele go mo lekodisa ka kgang ya sepatela. O boleletse banni fa Tona Madigele a mo solofeditse fa a tlaa tla kwa motseng wa bone gore ba bue ka kgang ya sepatela. O ne gape a itsise banni ba motse wa Lerala gore Tona Madigele o tlaa batla dintlha ka dikgang tsa bone mme a tle go bua le bone. Mokhanselara wa Lerala Bokone, Rre Kabo Ketshogile o ne a kopa mopalamente wa bone go tsaya kgang ya bone ya sepatela ka tlhoafalo ka ba sa bolo go bua thata ka yone. O ne gape a kopa Rre Maele go tlhodumela kgang ya bogosi jwa motse wa bone ka ba sa bolo go isa mokwalo kwa go tona yo o lebaneng. health 6 Ditshwanelo le boikarabelo di ya thoteng... Batsadi ba rotloeditswe go ruta bana gore ditshwanelo di tsamaelana le boikarabelo. Se se boletswe ke Kgosi Kruger Kareng wa kgotla ya Lephaleng kwa Molepolole mo moletlong wa segopotso sa letsatsi la Ngwana wa moAfrika le le neng le tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng Ditiro tsa Bopelotlhomogi mo Afrika Ditshwanelo tsa Bana Pele.” Kgosi Kareng a re go botlhokwa gore setshaba se seka sa iphitlhela se amega mo kgokgontshong le tsoulolo ya ditshwanelo tsa bana. A re thuto ke nngwe ntlha e e botlhokwa mo ditshwanelong tsa bana ka e ba neela tlhotlheletso ya go tsaya dikgato tse di nametsang le go gola ba na le boikarabelo. “Letsatsi le le seegetswe kwa thoko go lwantsha kgokgontsho ya bana, ga mmogo le go netefatsa gore ditshwanelo tsa bana di babalesegile, ka jalo go mo go rona re le batsadi go netefatsa gore re ruta bana go dira sengwe le sengwe ka maikarabelo,” Kgosi Kareng a tlhalosa. E rile fa a rola molaetsa wa letsatsi, mothusi mo go tsa maranyane go tswa mo lephateng la kabo ditsha la Kweneng, Rre Moreri Keikotlhae a re go tlhoka go tsibogela ditshwanelo tsa bana go ba rontsha go tshela ka tshosologo, le go bona ditlamelo ntle le kgethololo. Rre Keikotlhae o tlhalositse fa setlhogo sa letsatsi leo se itebagantse le dithulaganyo le mananeo a Afrika a tshwanetseng go a diragatsa, go fenya kgatako ya ditshwanelo tsa bana ga mmogo le go kgala tse di setseng di diragala mo matshelong a bana. A re bana ba tshwanetse go golela mo tikologong e e iketlileng, e e babalesegile, go bona ditlamelo tsa botsogo tse di maleba di babalesegile e bile di lekane, ga mmogo le go neelwa thuto e e nang le boleng. Rre Keikotlhae a re go botlhokwa go nna le setho sa tlholego ka jaana go sa tlhokane le dithuto dingwe tse di rileng go tshela sentle le ngwana ka lerato le kagiso. “Ke rata re ipotse ka setho fela sa rona sa tlholego, gore a mme go tlhokana le bommantswitswidi bope fela go ntsha lorato mo pelong. Bagaetsho re batho rotlhe mo lefatsheng, mo setshwanong sa Modimo ga go na ope yo o tshwanetsweng ke sepe se se sa tshwanelang yo mongwe,” Rre Keikotlhae a tlhalosa. A re dipatlisiso di supa fa bongwe mo baneng ba le bane lefatshe ka bophara bo tshelela mo mafatsheng a a nang le diemo tse di sa iketlang, tse di ba kgoreletsang go tshela sentle. “Go ne mo Afrika go na le mafatshe a e leng gore bana ga ba fiwe thuto ya boleng, ga ba je sentle, ga ba na metsi a a phepa, ditlamelo tsa botsogo di a tlhaela, mme e bile se se ngomolang pelo le go feta, bana ba dirisiwa mo ditirong tse di borai, tse di bayang matshelo a bone mo diphatseng,” ga bua Rre Keikotlhae. Moithuti go tswa sekoleng se sebotlana sa Al Haq, Tumisang Matomela ene o ne a bolela fa setlhogo sa monongwaga se rotloetsa le go nonotsha pabalesego ya ditshwanelo tsa bana botlhe ba Afrika, go sena kgethololo ya letso, mmala, bong, puo le tse dingwe. A re e re ka jaana ka nosi bana ba sena maatla le bokgoni jwa go natefelelwa ke ditshwanelo tsa bone, ke maikarabelo a setho fela go netefatsa gore ditshwanelo tsa bana di babalesegile, e bile ga ba di rontshiwe. “Jaaka re ipelela letsatsi la Ngwana wa moAfrika, a re gopoleng bana baba senang malapa ka lebaka la lehuma, dintwa tsa semorafe le kgokgontsho, bana ba ba ketefalelwang ke botshelo ka jaana ba tshela ntle le tse di tlhokafalang jaaka dijo, diaparo le boroko, go fatlhoga le go kgona ditoro tsa bone,” Itumeleng a tlhalosa. A re isago ya lefatshe lengwe le lengwe e ikaegile ka bana, mme go santse go na le mafatshe mangwe mo Afrika a a ikgatholosang go neela bana ba one thuto ya boleng. A re selo se, se ka ama seemo sa tlhabologo mo Afrika. education 4 Serala ke mabeelo a konokono Balemi kwa Masunga ba tshegeditse ngwao ya go baya thobo ya bone mo diraleng. E re ka jaana monongwaga balemi ba bone thobo e e nametsang, dirala di tsweletse ka go runya mo malwapeng a le mantsi mo motseng. Fa a bua mo potsolotsong ka Labobedi, molemi mongwe wa motse oo, Mme Banana Maputako, o tlhalositse fa serala se le mosola thata mo go sireletseng thobo go senngwa ke diruiwa e bile gape se thusa go tlhomamisa gore thobo ga e kopakopane le mmu le go jewa ke motlhwa. Mme Maputako, yo o agileng dirala tse pedi monongwaga, a re o ikaelela go tswelela a aga serala ngwaga le ngwaga fa a lemile, maikaelelo e le gore dikokomane tsa gagwe di gole di fitlhela go na le dingwe tsa ngwao mo lwapeng. E rile a tswa la gagwe, molemi yo mongwe Mme Tebogo Lewatle, yo ene a tlhalositseng fa a dule matlho a fitlhela go lengwa mo lwapeng la gaabo, o supile fa morafe wa Bakalaka o rata e bile o tlotla ngwao ya bone fela thata. A re se ke sone se se dirang gore go bo go santse go agiwa dirala ka bokete mo Masunga le mo metseng e mengwe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba. Mme Lewatle o tlhalositse fa serala se baya thobo ka go farologana jaaka mabele, mmidi le lebelebele. O tlhalositse fa serala se se agilweng ka mapako se siame thata ka se tsenya phefo e e lekanetseng mo dijong go di itsa go bola. Molemi yo mongwe yo ene a agileng dirala tse tharo, Mme Gobe Kamonombe o tlhalositse fa serala sa mapako se itse go baya mabele sentle fa go tshwantshanngwa le se se dirilweng ka ditena le disenke. Mme Kene Tjikwakwa le ene o tlhalositse gore e re le ntswa serala se itse go somarela thobo, ene o beile thobo ya gagwe mo ntlong go fokotsa ditshenyegelo tsa go thapa batho go mo agela serala. Molemisi wa motse oo, Mme Gagolelwe Kwele o tlhalositse fa balemi ba dira dirala tse di farologaneng mme a bolela fa serala sa mapako se le botlhokwa fela thata ka phefo e kgona go tsamaya sentle mo thobong ka e a bo e sa pitlagana. O tlhalositse fa temo e nnile ntsi monongwaga segolo jang mo go ba ba kgonneng go lema ka dipula tsa ntlha. Molemisi o kopile balemi go tla go ikwadisetsa dipeo tse ba tla di dirisang mo temong e e tlang. Mme Kwele o gakolotse balemi ba ba eletsang go tsenelela dikgaisano tsa ditshupo tse di tla tshwarwang kwa Masunga ka Phukwi ,go ikwadisa go ya supa thobo ya bone. Bokhutlo society 9 Bana ga ba a tshwanela go thapiwa lick to see more pictures Tona wa tsa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu, a re bana ba tshwanetse go isiwa dikoleng e seng go bereka. Rre Batshu o buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Kalamare mo kgaolong ya Legare bosheng, a tlhalosa fa ditshekatsheko di supa fa bana ba le bantsi mo dikgaolwaneng kgotsa kwa metseng e e kgakala le ditoropo ba sa tsene dikole ka ntata ya go bereka. A re selo se ga se a siama, ka jalo batsadi ba tshwanetse go ema ka dinao go bona gore bana botlhe ba isiwa dikoleng. O ne a tlhalosa fa puso e otlolotse letsogo gore ngwana mongwe le mongwe a nne le sebaka sa go tsena sekole. Rre Batshu a re ke molato o motona go fitlhela ngwana wa dingwaga tse di ka fa tlase ga lesome le boferabobedi a bereka. O ne a tlhalosa gore ke ka moo puso e boneng go le botlhokwa go dira mananeo a tshwana le a go busetsa ba ba sa dirang sentle kgotsa ba ne ba tswa mo dikoleng ka mokgwa mongwe fela mo dikoleng. A re thuto ke boswa mme ka yone batho ba ka fema lehuma la nta e tshetlha le go dira tsotlhe tse di tshwanetseng mo botshelong. Rre Batshu o ne a kopa batsadi gore go seka ga twe bana ke ba malwapa a a ’kobo dikhutshwane ga bana bokamoso ba bo ba thapiwa kwa merakeng kgotsa mo malwapeng. A re bana fa ba sa ntse ba le bannye mme ba dira ditiro kgotsa ba amega mo tlhakanelong dikobo go ba okeletsa go tsenwa ke malwetse ba tloge ba tshabelelwe ke dihawa. Mo go tse dingwe, Rre Batshu o ne a rotloetsa batsadi gore ngwana mongwe le mongwe yo o tsholwang o tshwanetse go kwadisiwa ka fa molaong dikgwedi tse pedi a sena go tsholwa. Ka jalo o ne a gakolola batsadi go kwadisa matsalo otlhe a bana gore puso e tle e itse gore bana ba kae mme go batlega dikole kgotsa dikokelwana kwa dikgaolong di le kae gore bana ba go nna jalo ba tle ba di akole. O ne a tlhalosa gore matsalo otlhe a tshwanetse go kwadisiwa go sa kgathalesege gore a motho o tsholetswe mo lwapeng kana kwa kokelong, a tlatsa ka go re le dintsho fela jalo di tshwanetse go kwadisiwa mo malatsing a le masome a mararo di sena go diragala. Tona Batsu o ne a tlhalosa gore bokamoso, ditogamaano le ditlhabololo tsotlhe tsa lefatshe di dirwa go lebilwe gore batho ba kae kgotsa ba tlhokafetse ba le kae fa kae. Tona o ne a tlhalosetsa banni gore e tlaa re ka Laboraro madi a badiri ba mo lwapeng a bo a okeditswe, ka jalo batho ba ipaakanyetse phetogo e. A re go le gantsi batho ba thapa batho kwa merakeng le mo magaeng mme ba sa ba duele ka fa go tshwanetseng. A re go ka fa molaong gore e re motho a simolola tiro go dirwe tsotlhe tse di tlhokegang, ditumalano tsa pereko gore e se re kamoso bangwe ba bo ba ikuela kwa diofising tsa lephata la gagwe gore ga ba tsewe sentle. E ne e rile go le pele monnasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Goareng Legwatagwata a tlhalosetsa tona gore ba tshwenngwa ke batho ba ba thapang batswakwa ba ba se nang diteseletso tsa go bereka ga mmogo le tsone tsa go tsena mo lefatsheng leno. Mme Legwatagwata a re selo se se tshwenya fela thata ka se ba bakela mathata a mantsi mo motseng. O ne a tlhalosa fa gape ba tshwenngwa ke gore ba dira dikarata tsa matsalo kwa Mahalapye, mme sebe sa phiri ke gore dinako tsotlhe fa ba ya teng go kaiwa fa didirisiwa di sa bereke kgotsa maranyane a le bokoa. A re se, se a ba turela ka ba bolawa ke mosepele wa go ya Mahalapye le ntswa ba se na one madi a go palama kgapetsakgapetsa go ya go tlhola gore a dilo di boetse mannong, a tlatsa ka go re seemo se gantsi se kgoreletsa thata fa ba setse ba batla go direla bana ditlankana tsa matsalo fa di batlwa kwa dikoleng. E rile a mo kgwa dikgaba, Rre Batshu a tlhalosa fa go se ka fa molaong go thapa motswakwa yo o se nang dipampiri, a re mo ke molato o motona mme batho ba go nna jalo ba tlaa tseelwa dikgato. O ne a tlhalosa fa lephata la ditsela le ditlhaeletsanyo le leka go baakanya seemo sa go tlhoka go tsoga sentle ga maranyane. education 4 Batho ba Palapye ba lalediwa go tla go bona dilwana Mookamela mapodisi ao, Superintendent Waboraro Ramaja a re dilwana tse ke malao, ditshwantsho tsa motshikinyego, ditsidifatsi le tse dingwe tse di farologaneng tsa ntlo. A re mapodisi a tshwere borre ba le bane ba Palapye ba dingwaga tse di fa gare ga masome mabedi le bongwe le masome a mabedi le boferabongwe, ba go belaesegang ba utsule dilwana tse. O kopile banni ba Palapye go dirisa lenaneo la ntebele ke go lebele go tlhokomela dithoto tsa bone. A re go botlhokwa go laela baagisanyi nako le nako fa ba tsaya mesepele gore ba sale ba ba lebetse. Supt Ramaja a re ditlhotlhomiso tsa mapodisi di supa fa go nnile le dikgetsi tsa go thujwa ga malwapa ka nako ya fa beng ba malapa ba seyo. A re dilwana tse di tshwerwe mo go borre bao le mo bathong ba bangwe ba ba neng ba rekile dilwana tseo. Go reka dilwana tsa bogodu go ya ka Supt Ramaja ke molato o motho a ka lebisiwang molato wa kgolegelo ya dingwaga tse tharo. A re mapodisi a tsile go tseela batho botlhe ba ba amegang mo go rekeng dithoto tsa bogodu dikgato. O supile fa e tlaare mapodisi ba sena go fetsa ditlhotlhomiso babelaelwa ba isiwe fa pele ga lekgotla mme a tlhalosa fa ba ka atlholwa dingwaga tse di lesome fa ba ka bonwa molato. Go mo tse dingwe a re banana ba ba tshwerweng beke e e fetileng mabapi le polao ya motho mo Palapye ba tlaa isiwa fa pele ga lekgotla kgwedi eno e le lesome le boferabongwe. crime_law_and_justice 1 Khansele e fokotsa badiri Modulasetilo wa khansele ya kgaolo-potlana ya Mahalapye, Rre Tassman Cebani, a re tshwetso ya go kgaola baeteledipele ba ditiro tsa Ipelegeng kwa kgaolong ya gagwe e tserwe ke bodiredi jwa khansele. Rre Cebani o buile jalo fa a ne a botsolotswa mabapi le dingongorego tsa banni ba Taupye le Boseja/Flowertown mo diphuthegong tse di neng di buisiwa ke Mothusa Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso, tse mo go tsone batho ba neng ba ngongoregela go kgaolwa ga baeteledipele ba Ipelegeng. A re e re ka badiri ba khansele ba tsere tshwetso ya go kgaola baeteledipele ba Ipelegeng ba lebile tlhaelo ya madi, ke sone se khansele ya gagwe e neng ya dumelana le tshwetso eo. Rre Cebani a re ka madi a a neng a abetswe ditiro tsa lenaneo la Ipelegeng mo ngwageng wa madi wa 2016/17 a ne a sa lekane ditiro tse di neng di tshwanetse go dirwa, ke sone se khansele e neng ya dumela mogopolo wa go fokotsa dipalo tsa baeteledipele ba Ipelegeng go na le go kgaola babereki ba lenaneo leo. Motshwarelela mokwaledi wa khansele ya kgaolo-potlana ya Mahalapye, Rre Detto Molatlhegi, o boletse mo diphuthegong tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Mahalapye Botlhaba Mme Botlogile Tshireletso kwa Taupye le Boseja gore khansele e abetswe P41 544 00 go dirisiwa mo ditirong tsa Ipelegeng mo ngwageng wa madi wa 2016/17. E rile mokhanselara wa kgaolwana ya Boseja/Flowertown Rre Koolekanye Tumelo a bua mo phuthegong eo, a bolela fa go sena tirisano le neelano mo khanseleng ya kgaolo-potlana ya Mahalapye ka jaana bodiredi bo kgona go tsaya ditshwetso bo sa rerisana le makhanselara a e leng one a rweleng boikarabelo. Mopalamente Tshireletso o ne a tlhomamisetsa banni ba Taupye le Boseja fa a tlaa ikopanya le bagolwane ba khansele gammogo le ba lekgotlana la kabo ditsha go ngunanguna dikgang tseo pele a ka ikopanya le matona a a lebaneng le lephata leo.BOKHUTLO politics 7 Dialogane di galaletsa nyeletso lehuma Bangwe ba dialogane tsa lenaneo la nyeletso lehuma kwa kgaolong potlana ya Mahalapye ba lebogetse lenaneo le go ba fa seriti. Ba buile se fa lenaneo le, le le fang baikopedi maano a itshetso le ne le alosa dialogane di le lesome le botlhano kwa Mokgenene kwa kgaolong ya Legare bosheng Ofisi ya nyeletso lehuma e ne e abela batho ba ba ikopetseng go thusiwa didirisiwa tsa go simolola dikgwebo gone ka letsatsi leo. Bangwe ba ba neng ba thusiwa kwa tirong eo ke ba ba itlhophetseng go tsena mo kgwebong ya thuo ya dihutshane, kapei, go dirisa matlalo go ntsha dithoto ka go farologana le temo ya ditlhare. Fa a afa bopaki ka maduo a lenaneo le, mongwe wa dialogane Mme Lorato Kgolokwane wa Mahalapye yo o simolotseng kgwebo ya thuo ya dikoko ka ngwaga wa 2017,o ne a re o se a leng sone ka lenaneo le. Mogwebi yo, yo o setseng a itshetetse o ne a supa gore o dirisitse dipoelo tse a di bonang ka thekiso ya mae go tsena mo thuong ya dikoko tsa nama. A re sephiri sa go ntsha maduo a a godisang kgwebo ke bonatla le boineelo mo go se a se dirang. A re ka dipoelo tsa mae le dikoko o kgonne go bula kgwebo ya semausu, e le yone e tsweletseng sentle. Mme Kgolokwane a re o dumela gore lenaneo le, le mo tlhotlhorile botlhoki. “Ga ke tshwenye ope ka go kopa. Le fa ke sa latole gore kgwebo e na le dikgwetlho tse mo mabakeng mangwe di ka dirang gore motho a ineele, nna ke ikemiseditse go lwantsha sekgoreletsi sepe se ke lebaganang le sone,” a tlhalosa. O ne a tlhalosa gore o kgonne go gokela motlakase kwa lwapeng, go tlamela bana le go dira ditiro tse dingwe. Mme Kgolokwane o kgothaditse botlhe ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go nna boineelo le go dira ka natla gore ba kgone go tokafatsa matshelo a bone le go nna le seabe mo go godiseng itsholelo. Mme Gaebonwe Kealebale, wa Otse o tsenye mo kgwebong ya kapei ya borotho. A re ka gotwe dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe, o ne a thapiwa ke mongwe kwa Gaborone a thusa mo lwapeng mme a felela a ithutile kapei ya borotho mo mohiring wa gagwe. O supile gore o thusitswe ka didirisiwa tsa kapei ya borotho ka ngwaga wa 2013 mme o direla mo lwapeng. A re dipoelo tsa thekiso ya borotho di tokafaditse itsholelo ya lelwapa la gagwe. “Ke na le toro ya go godisa kgwebo yame, mo nakong eno ke apaya magwinya le diphaphatha, mme ke eletsa go ipona ke godile ke apaya marotho a mefuta e farologanyeng,” ga tlhalosa Mme Kealebale. A re keletso ya gagwe ke go reka koloi mo isagong gore a kgone go fitlhelela bareki motlhofo ka bogompienong a tsamaya ka dinao go rekisa mo malwapeng. O lebogetse puso go tswa ka mananeo a a thusang setshaba go itepatepanya le dikgwetlho tsa botshelo. O supile gore ene le bagwebi ba bangwe ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go tsena mo kgwebong ya borotho, ba filwe thendara ya go apeela bana ba sekolo se se botlana sa Otse borotho. “Re tsweletse sentle le fa gone go na le dikgwetlho tsa gore re bereka re le setlhopha. Fa ke chaisa kwa sekolong ke tswelela ka go apaya borotho jo ke bo rekisetsang banni ba Otse. Ke batla go ipona ke le mo seemong sa go apeela meletlo e e farologanyeng borotho jwa mofuta o ba o eletsang” Mme Botsenye Mosalagae go tswa kwa Mahalapye, o tsenye mo kgwebong ya go rekisa ditlhare tsa maungo, mekgabisa le moriti. Mme Mosalagae a re o leboga thotoetso ya banni ba Mahalapye mo kgwebong ya gagwe. O thusitswe ka ngwaga wa 2017. A re dipoelo tsa kgwebo ya gagwe di mo thusa go dira ditiro tsa mo lwapeng tse di tlhokang madi. economy_business_and_finance 3 Kweneng o saletse kwa morago Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Frans Van Der Westhuizen, a re o tshwenngwa ke seemo se se sa tokafaleng sa go salela morago ga go diragadiwa ga lenaneo la nyeletso lehuma kwa Kweneng. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Medie, mothusa tona a re gore mo nakong eno, lenaneo la nyeletso lehuma le be le santse le le mo thulaganyong ya go thusa batho ba babedi kwa motseng wa Medie go tshwenya ka jaana go kgoreletsa maiteko a puso a go tlhabolola matshelo a Batswana. A re puso e tshwenngwa ke gore e ipeetse seemo sa go bo e nyeleditse lehuma la nta ya tlhogo mo Batswaneng botlhe ba ba kobo dikhutswane ka ngwaga wa 2017, mme potso ele gore a kgaolo ya mokwena e tlaa kgona go fitlhelela seelo se se beilweng. E re ntswa seemo sa go diragatsa lenaneo la nyeletso lehuma mo kgaolong ya Mokwena se tshwenya, go supa fa mo Mokwena dikgebo di letse metsi, seemo se sa tokafale mo jaanong mothusa tona a ipotsang gore a ba Mokwena bone ba tlaa bo ba le fa kae fa 2017 a goroga. Mothusa tona yo abileng ale mopalamenete wa Kgalagadi Borwa a re go a hakgamatsa gore dikhansele ka bontsi di bo di supile kgatelopele le maitlamo mo go diragatseng lenaneo leo mme fa kgaolo ya Mokwena kgobe di etse metsi. Nngwe ya dikgang tse di tshwentseng tona ke ya go goroga ka bonya ga dirisiswa tsa mananeo a farologanyeng a puso kwa mafelong a tshwana Medie le mororo metse eo ese sekgala sepe se se tshwenyang gotswa mo toropokgolo fa se bapisiwa le metse ya dikgaolo tsa Kgalagadi. E ne ya re a tsibogela dikgang tsa tiego le bonya jwa go diragadiwa ga lenaneo la nyeletso lehuma mo kgaolong eo, mogolane mo ofising ya boipelego mo kgaolong ya Molepolole/Lentsweletau, mme Dineo Segobai a solofetsa fa ba tshwere ka natla go tokafatsa seemo. A re ba ipeetse seelo sa go tlhomamisa fa dikopo tsa batho ba le 57 ba ba ikopetseng mananeo a a farologanyeng di di tlaa bo di sekasekilwe le go arabiwa pele kgwedi ya mopitlo e khutla. E ne erile gole pele mo mafokong a kamogelo, Kgosi Moatlhodi Kgabo, a lekodisa tona fa bodirela puso kwa Medie bo tshwenngwa ke pharologanyo ya dituelo tsa madi a RASA a a duelwang bodiredi jo bo kwa mafelong a a kgakala le ditlamelo. Kgosi a re ba lekile go batla tlhaloso mme nako kgolo ke eno. Le fa gontse jalo rre Van Der Westhuizen o laetse ofisi ya ga molaodi go batla tharabololo ya kgang e mme ba lekodise ba ba amegang mo nakong e e sa fediseng pelo.Kgosi Kgabo o bile a lela ka seemo sa tsela ya Medie/Lentsweletau gore ga e tsamaege bogolo jang ka dinako tsa dipula. A re le ntswa a tlhaloganya fa kgang ya go tsennga ga sekonotere e se e e bonolo ba ka lebogela maiteko a go e gopa gore e kgone go tsamaega.Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse mme Mmashale Kinnear o lela ka bothata jwa go sa tshwareng ga letshwao la seromamowa sa RB 1 gore le ba kgoreletsa go itse dithulaganyo le mananeo a puso. Mme o bile gape a ngongoregela tiego ya dituelo tsa bagodi le gore bao madi a bone a salelang morago ba sokola go a bona. Mme Kinnear a re ga ba na mananeo a ditiro tsa sennelaruri a Ipelegeng, fa ese go kgaola ditlhare, a bile a ikuela ka dipalo tse di kwa tlase tsa badiri ba Ipelegeng. Mookamedi wa lenaneo la dituelo tsa bagodi mme Papadi Nkuvauva, a re maiteko a tsweletse le ba diposo go tokafatsa tsamaiso e e amang dituelo tsa bagodi.O bile a tlhalosa fa gape ba tsweletse go betla tsela ya ka fa thulaganyo e ntsha ya go neela bana-le-bogole dikatso e tla a dirwang ka teng morago ga tshekatsheko. E re ntswa kgaolo ya mokwena e ntse e lebanwe ke bothata jwa go kgaolwa ga metsi mo diofising tsa makgotla a Setswana, bothata jo bo nnileng teng ka lobaka ka ntlha ya dikolotso tsa metsi, bothata joo go kaega e tla nna dikgang tsa maloba jaaka bodiredi jwa koporase ya metsi bo ne bonala mo kgaolong eo go busetsa seemo mannong. politics 7 A mananeo a dirisiwe ka kelelelo - Goya Balemi ba masimo a Lemonemo mo kgaolong ya Palapye ba kgothaditswe go dirisa mananeo a puso ka kelelelo gore a ba solegele molemo mo go tlhabololeng temo-thuo le go ntsha dijo. Seo se builwe ke mopalamente wa kgaolo, Rre Moiseraele Goya fa ane a buisana le balemi bosheng. Rre Goya a re puso e ntsha dithuso tsa mefuta e e farologanyeng go thusa balemi-barui, mme bangwe ga ba di dirisi sentle. A re go abelwa dipeo, menontshane le gone go lemelwa ditema tse tlhano ke maiteko a puso go ba thusa, mme go lemosegile gore bangwe morago ga temo ba tlogela masimo, fa bangwe ba rekisa dipeo le menontshane eo. A re puso e dirisa didikadike tsa madi go reka dithoto kwa ntle go balelwa le dijo, ke sone se puso e emeng ka dinao go thusa balemi go ntsha dijo le gone go ba rotloetsa go lema ka ditselana. A re fa go lemilwe sentle, ekere e solofetswe go ntsha dikgetsi tsa thobo di le lesome le botlhano, tse e reng fa di rekisiwa di buse P6 700 kana go feta, go tswa fela gore ke thobo ya eng. O ne a ba akgolela go dirisa Ipelegeng ka botswapelo gore e ba tswele mosola. A re fela jaaka ba remile tsela le go agelela letamo, ba ka le dirisa go epa letamo. O ne gape a re theko ya dihutshane le yone e okeditswe ditlhatlhwa a re a bainaakanye le yone segolo jang banana. A re o tlhaloganya gore madi a dituelo tsa temo a a diega mme a re seo se bakwa ke go fela ga madi a temo ka bonako, go bo go emelwe kabo madi. Mopalamente a re mosele wa pula o epiwa go sale gale, a tlhalosa fa letsema le boloditswe ba tshwanelwe ke go baakanya megoma. O ne gape a gakolola balemi-barui go aga matlwana a boitiketso go babalela leruo lmo go tsenweng ke bolwetse jwa mabele. O ne a bua gape ka tlhaelo ya didirisiwa tsa thuto mo megokgo le batsadi ba felelang ba itlama go reka dingwe tsa tsone jaaka metshine e e ntsifatsang dipanmpiri le gone go kgobokanyetsa meletlo ya ipelelo maduo madi. A re fela se ba sa se beeng sebete ke mo bana ba busediwang malwapeng fa ba sa ntsha madi ao ka e se thulaganyo ya lephata e le tumalano ya megokgo le diPTA. O ne a supa fa puso e tshwere ka natla go tla ka methale ya go tokafatsa thuto. Rre Goya a re go ya go simolodisiwa dithuto tsa di A- level, le go tlhatlhobela Setswana, Sekgoa, dipalo le borenyana. Balemi ba ne ba lebogela ditiro tsa Ipelegeng, mme ba ngongorega ka tshenyo ya dikgomo mo masimo ka nako tsa temo le gone gore bana ba ba utswela leruo, segolo jang ditonki. Ba ne gape ba akgola puso ka go thusa ka dipeo ba re ba dikile ba robile, mme ba kopa gore madi a diterata a duelwe ka go kgaoganngwa ka bontsi jwa balemi ba sa bereke ba itshetsa fela ka yone temo. Ba ne ba re ba lemela moragong ka ba tlhaelelwe ke ditshukudu tsa temo. Maphata a puso a ne a lekodisa balemi ka mananeo a teratelelo magola ka ditlhopha, go begela mapodisi tse ba di belaelang nako e sale teng, go phepafatsa mafelo a ba nnang mo go one go kganela bolwetse jwa letshoroma, le yone ikwadisetso ditlhopho tsa setshaba e e tlaa simologang ngwaga o o tlang. Ba thuto ba ne ba supa fa ba ne ba buisana le megokgo ka go tsaya ditshwetso tse di ka ba tsenyang mo mathateng jaaka go busetsa bana madi a dikoleke tsa ditiro tsa sekole, ba re seo ga se ka fa molaong wa thuto. economy_business_and_finance 3 VDC ya Grootlaagte e agela batlhoki Komiti ya ditlhabololo ya Grootlaagte kwa kgaolong ya Ghanzi e tsentse letsogo mo go ageleng batlhoki ba motse oo matlo, e le tsela nngwe ya go araba kopo ya ga tautona wa lefatshe leno, ya go agela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong matlo le go ba neela seriti mo setshabeng. Mo potsolosong bosheng, modulasetilo wa komiti eo, Rre Keleofile Madumane o tlhalositse fa ba agetse batlhoki ba le batlhano matlo mme ba setse ba abetse ba le bararo. A re ba babedi ba ba setseng ba tla abelwa mo nakong e e sa fediseng pelo. Mo godimo ga moo, Rre Madumane a re tshimo ya motse, e go ruiwang dikgomo tsa motse mo go yone e ba thusitse go agela batlhoki ba le bane matlo morago ga go rekisa dingwe tsa dikgomo tseo le go thusa ba ba tlhokang ka ditsela tse di farologaneng. O tsweletse a tlhalosa fa matlo ao a agilwe ke babereki ba lenaneo la Ipelegeng, a tlatsa ka gore o akgola lenaneo la Ipelegeng fela thata ka gore le ba thusa go menagane mo motseng wa bone. A re Ipelegeng e na le seabe se segolo mo ditlhabololog tsa motse ka jaana e thusa le gone go ntshafatsa matlo a badirelapuso, go aga matlo a a ka hirisetswang batho ba motse gammogo le go phepafatsa tikologo ya motse. Rre Madumane a re kgang e e ba tshwenyang ke gore batho ba ba hiriseditsweng matlo a VDC ga ba duele sentle, mme seo se ba ketefaletsa go kgona go tsweledisa ditlhabololo tse dingwe mo motseng ntateng ya letlhoko la madi. Kgang e nngwe e e tshwenyang ke gore lenaneo la Ipelegeng le thapa palo e kwa tlase ya batho mme seo se dire gore basadi ba ba sa kgoneng go tsena mo lenaneong la Ipelegeng ba felele ba ya go batla ditiro kwa dipolaseng mme morago ba fuduge le bana ba bone, ba ba ntsha mo dikoleng.Rre Madumane a re seo, se itsa bana go ka ithuta sentle le mororo puso e lopa gore motho mongwe le mongwe a bo a rutegile ka ngwaga wa 2016. Le fa go ntse jalo, Rre Madumane o kopile batsadi go emisa go ntsha bana mo sekoleng ka jaana thuto e le botlhokwa fela thata mo matshelong a bone. A re ke ka moo mokhanselara wa motse a kopileng gore go agiwe bonno jwa bana kwa sekoleng gore batsadi ba ba yang go bereka kwa dipolaseng ba tsamaye ba le nosi mme bana ba kgona go tsweledisa dithuto tsa bone. society 9 Lehuma ke selo sa maloba E re ka mogologolo a kile a re ya re go tlogelwa tsatsing se ikise meriting, mongwe wa Batswana ba ba sologetsweng molemo ke mananeo a nyeletso lehuma,o boletse fa a setse a lebetse gore lehuma ke phologolo ya maoto a le kae ka gore le ene o kgona go tsamaisa botshelo jwa gagwe ka fa a batlang ka teng. Mme Malebogo Johannes wa dingwaga tse di masome a matlhano le bongwe wa Kudumatse mo kgaolong-potlana ya Mahalapye a re o leboga puso go menagane go ba tla matshidiso ka mananeo a mantle a. Mme Johannes a re ka phokoje go tshela yo o dithetsenyana, o ne a bona go le botlhokwa mo go ene go batla tsela ya go ka tlamela ba lelwapa la gagwe mme a bone thuso mo lenaneong la nyeletso lehuma. O boletse fa ene a dira kgwebo ya go roka diaparo tse di senyegileng le go dira tse disha, a tlatsa ka gore e ne ya nna yone tsela e a itlhophelang yone ka a na le lerato le dikitso mo go yone. O tlhalositse fa a tswa kgakala le kgwebo e ya go roka sebe sa phiri e le go tlhoka didirisiwa tse di maleba go ka e dira bonolo. A re o e simolotse a dirisa motshine wa letsogo o o neng o tsaya nako e telele go roka seaparo se le sengwe nako e ntsi. A re mo nakong eo, o ne a lebanwe ke kgwetlho e tona ya tlhaelo ya ditsompelo, a tlatsa ka gore go tlhoka didirisiwa go ne ga seka ga mo kgoba marapo go tswelela pele mo tirong e a e ratang bobe. O tswelela a tlhalosa fa e ne ya re ka ngwaga wa 2013 a ntse a wa a tsoga le kgwebo ya gagwe, ba lenaneo la nyeletso lehuma mo khanseleng-potlana ya Mahalapye ba tswa thuso bagwebi ba kgaolo eo ba ba neng ba na le keletso mo ditirong tsa diatla. O tlhalosa fa a ne a seka a nna maoto a tshupa mme a ikwadisa go nna mongwe wa bagwebi bao. A re ba ne ba tlhophiwa go ya ka ditiro tsa bone tsa diatla tse ba eletsang go ikoketsa dithuto mo go tsone,mme ba isiwa ithutuntshong kwa sekoleng sa ithutelo tiro ya diatla. Mme Jonannes o tlhalosa fa a ne a nna le sebaka sa go kopana le bagwebi ba ba farologaneng, a tlatsa ka gore se, se ne sa mo thusa go abelana megopolo e e farologaneng ka dikitso tsa kgwebo. A kaya fa go bona sebaka seo go ne ga mo tiisa moko le go feta mo tirong ya gagwe. A supa gore morago ga go wetsa inthutuntsho eo, a itoma molomo wa tlase gore o tla bereka ka natla go dira dithoto tsa boleng. O boletse gore morago ga dithuto o ne a abelwa didirisiwa tse a di tlhokang e bile e le tsa boleng jo bo kwa godimo tsa motlakase go tlhofofatsa tiro. Go ntse go le foo, a re o leka ka bojotlhe go itepatepanya le kapari ya paka nngwe le nngwe ya ngwaga, a tlatsa ka gore o itemogetse fa kapari le yone e fetoga gangwe le gape. A re o lemogile fa letsela la leteisi e le lone mo nakong tsa gompieno le ratiwang bobe ka jalo o inaakantse le go dira diaparo ka lone,a tlhalosa fa le le bogadi bo gaufi gape le mo thusa go itshetlela. O tswelela a tlhalosa fa ka seno sebaka a kgona go tsenya bana ba gagwe dikole ka madi a go roka. Ka kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho tsa yone, o tlhalosa fa mo dikgweding tsa ngwaga o simologa go fitlha tsa mariga go sena theko e e kalokalo. O tswelela a supa fa dikgwedi tsa paka ya selemo go ya kwa mafelong a ngwaga kgwebo e nna ntsi thata, a tlatsa ka gore ke yone nako e a rokelang batho thata kapari ya manyalo ka jalo dipoelo e nne tse di botoka. Le fa gontse jalo,o ne a gwetlha ba ba maoto a tshupa go ikopela mananeo a puso go ka intsha mo lehumeng la nta ya tlhogo. O ne a kgothatsa banni ba Kudumatse go tsaya mananeo a tsia go ka fetola matshelo a bone ga mmogo le go tlhamela ba bangwe ditiro. Mme Johannes o rotloeditse bagwebi go sa letlelela dikgwetlho tse ba kopanang le tsone go nna mmaba mo dikgwebong tsa bone.ENDS society 9 Tsibogelang seemo - Tshireletso Lephata la Boipelego mo kgaolong potlana ya Letlhakeng le laetswe go tsiboga ka ponyo ya leitlho go thusa ka dijo ngwana wa mona-le- bogole yo motsadi wa gagwe a sa kgoneng go ka bereka ka ntlha ya seemo sa ngwana se se tlhokang tlhokomelo ee tseneletseng. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Ditshegwane mo kgaolong ya Kweneng Bophirima bosheng, mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae Mme Botlogile Tshireletso, a nyatsa le go kgala tiego ya bodiredi jwa Boipelego mo go tsibogeleng seemo sa ngwana wa ga Mme Baganetseng Monnawatsie, a tlatsa ka gore ba ikgatholosa ntlha ya gore lephata le na le thulaganyo e faphegileng ka diemo tse di tshwanelang go potlakelwa. Mme Tshireletso o ne a tsibogela kgang e mo go yone Mme Monnawatsie a neng a ikuela gore ba Boipelego ba ikgatholositse bothata jwa lelwapa la gagwe le fa a lekile go supa fa a retelelwa ke go bereka ka ntlha ya bogole jwa ngwana wa gagwe yo o dingwaga di thataro mme a sa kgone go bua le go tsamaya a nna fela a rapaletse. Maboipelego wa Ditshegwane Mme Itumeleng Teo, o ne a tlhomamisetsa mothusa tona fa ba ise ba kgone go thusa Mme Monnawatsie ka jaana kgang ya gagwe e fetiseditswe kwa komiting e dirang ditsheka-tsheko. Mothusa tona one a seka a amogela tlhaloso eo a supa fa seemo sa botshelo jwa mme yoo le morwae se sa tlhoke tsheka-tsheko ka jaana go le mo pontsheng gore lelwapa leo le tlhoka thuso, ka jalo a laela ba Boipelego go tsibogela seemo sa ngwana yo o, ga mmogo le go fiwa dijo ntle le tiego. Mabapi le ngongorego ya batho ba metse ya Sesung le Ditshegwane ya gore khansele e emisitse go reka borotho jwa baapei ba mo gae go jesa sekolo mme e reka mo dibeikhareng, modula setilo wa khansele potlana ya Letlhakeng Rre Friction Leuwe, o tlhalositse fa ba ne ba patelesega go fapoga thulaganyo ka bothata jwa tlhaelo ya madi. Rre Leuwe o kaile fa thulaganyo e ne ya faposwa ke go ja gabedi ga baithuti mo dikolong tsa kgaolo ya Kweneng Bophirima, mme khansele ya patikega go boele mo go rekeng borotho jwa dibeikhara thulaganyo e a kaileng e ne ele ya dikgwedi tse pedi fela ka madi a go fepa bana a ne a ka se lekane go duela baapei ba mo gae go lebilwe ditlhwatlhwa tsa bone. Le fa gontse jalo modulasetilo o kopile maitshwarelo mo go ba ba amilweng ke diphetogo tseo le go tlhoka go rera go sale pele mme a solofetsa fa seemo se tla boela mannong ngwaga wa madi o simologa. Mabapi le tiego ya khansele go duelela baapei bao tiro e baneng ba e dirile, mothusa mokwaledi wa khansele ya Kweneng Rre Gobe Mudongo, o solofeditse fa ba tla a tsibogela go dira dituelo ntle le tiego. Kwa motseng wa Ditshegwane mongwe wa banni Rre Kebonang Kelebang o ntshitse tlhobaelo ka dipego tsa gangwe le gape tse di sa tshwarelang morafe sepe tsa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse. A re o tshwenngwa ke gore e re ntswa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ele tsone di tshwereng boikarabelo jwa dithoto tsa morafe, di bo di seke di dintsha dipego tse di tlhapileng tsa ka fa di tsamaisang ka teng bogolo jang ka tse di amang madi. O supile ka monwana diofisi tsa lephata la Boipelego gore di ikgatholositse boikarabelo ja go tlhomamisa bogakolodi ka go netefatsa gore dikomiti di sala morago tsamaiso ya melwana e e di laolang. BOKHUTLO health 6 Mopalamente ga itumedisiwe ke maduo a ko tlase Banni ba Mmutlane ba ngongoregile ka beng ba dikhamphani ba e reng ba sa fenya dithendara ba bo ba isa dingongorego kwa lekgotleng la tshekelong ba re se, se dia ditlhabololo. Banni ba buile jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele kwa kgotleng ya Mmutlane bosheng morago ga go amogela tekodiso mo go mopalamente mabapi le go diega ga go agwa ga matlwana a borobalo a baithuti kwa sekoleng se segolwane sa Kalamare. Mopalamante Makgalemele o boleletse banni gore le fa mo phuthegong ya bone ya bofelo a ne a ba tlhomamisetsa fa thendara e abilwe e bile a solofela fa khamphani e e abetsweng thendara e tlaa simolola tiro mo bogaufing, bangwe ba ne ba isa boikuelo kwa kgotleng ya ditsheko mabapi le go ajwa go thendara eo. A re ke lone lebaka le kago ya matlo a boroko a bana, a ba sa bolong go lelela mo go ene ka one e santse e saletse kwa morago. Rre Makgalemele a re o tlhaloganya selelo sa bone e bile o ngomolwa pelo ke seemo mme ga go se se ka dirwang fa e se go emela lekgotla go tsaya tshwetso. Mongwe wa banni ba Mmutlane, Mme Barati Makene a re puso e tshwanetse ya tsenya leitlho kgang ya beng ba dikhamphani ba e reng ba sa atlega ba bo ba nna lefufa mo go yo o fentseng. A re boammaruri ke gore ga ba kake ba nna bafenyi botlhe mme ba tshwanelwa ke go amogela maduo. Mme Makene a re se se botlhoko ke gore ba ba amegang ke banni ba metse e puso e lekang go isa ditlhabololo kwa go yone go araba dilelo tsa bone. A re e le banni ba Mmutlane ba tswa kgakala ba lela ka boroko jwa baithuti kwa Kalamare kwa bontsi jwa bana ba bone ba amogelwang teng fa ba fetsa lekwalo la bosupa mme ba mekamekane le go duelela bana sepalamo go ba isa sekoleng ka ba tsena kwa Kalamare ba nna kwa Mmutlane. Mme Makene a re pego e e fetileng ya ga mopalamente ya go ajwa ga thendera go simolola kago ya matlo a borobalo jwa bana, e ne ya ba nontsha pelo mme jaanong go utlwa fa e santse e emisitswe go tswelela e le ditiro tse di dirwang ke batho go ba tsenya mo pitlaganong. Selo se a re ke maiteko a bangwe go kganela ditlhabololo tse puso e ba di tsisetsang mme mokgwa o o tshwanetse wa kgalengwa. Mokhanselara wa Mmutlane, Rre Otsogile Segolame a re kgang ya Kalamare e bokete ka e le morwalo o o mo imelang e le mokhanselara wa kgaolo ka mo mabakeng a mantsi e a re fa dikole di bulwa a tshwanelwe ke go thusa batsadi ba ba senang boitiro go ba isetsa bana sekoleng. A re mme fa matlo a borobalo a ne a fedile, baithuti ba Mmutlane ba kabo ba nna kwa sekoleng go imolola botsadi mokgweleo. O kopile mopalamente gore le fa gone dikgang tsa semolao di ka seke di fetolwe, ba tsenye dikgang tsa mofuta o leitlho, go bonwe gore baikopedi ba dithendara ba ka thusiwa jang ba sa kgopakgopetsane le go emisa ditlhabololo ka di araba dilelo tsa morafe. Fa a ba kgwa kgaba, Rre Makgalemele o ne a ba babisa ditsebe ka mogopolo o o neng wa ntshiwa kwa palamenteng wa gore go nne le kgotla ya ditsheko e e itebagantseng le dikgang tsa dikgwebo go itebaganya le dikgang tsa mofuta o. A re se se ka fefosa ditsheko le go thusa go fefosa ditlhabololo. BOKHUTLO education 4 BHC e abetse badiri ba Prisons matlo Ene yare bosheng ba BHC ba abela badiri ba lephata la Magolegwa matlo a tlhwatlhwa ya P6.1 million kwa Baines drift. Seo se builwe ke mogolwane mo lekalaneng la tsa go tshwantsatsa kago ya matlo a BHC Rre Stephen Bolebano. A re tshimologo ya lefelo laBaines Drift e ne e le moraka, mme a supa fa tshwaragano ya BHC le ba lephatala magolegwa e le botlhokwa mo setshabeng. A re ba BHC ba simolotse thulaganyo ya go agela badiri balephata la magolegwa ka ngwaga wa 2014, mme ba kopana le dikgwetlho di akaretsa Rre Bolebano o tlhalositse fa ba gwetlhilwe ke gore badiribao ba ne ba na le letlhoko la boroko, a tlatsa ka gore go ne go se motlhofo goaga matlo ao, ka jaana fa ba aga go ne go sena batho mo kgaolong eo, ka ba neba ba tsaya badiri ba nakwana kwa mafelong a Bobonong,Selebi Phikwe le Palapye. O tlhalositse fa ba agile matlo a ferabobedi kwa BainesDrift, mme ba ya go tswelela ba aga a mangwe mo mafelong a mangwe. O ne a tswelela a tlhalosa fa BHC e agile a le supa kwaGaborone kwa Block 7 ba boa ba agaa mangwe gone kwa Gaborone a le lesome, Francistown ba agile matlo a matlhatlaganyane fa kwa Mahalapye le gone ba agile a ferabongwe, mme mobogaufing ba tlaa a bula semmuso. O tlhalositse fa ba ne ba thapile kompone ya leina la 247 yaga Rre Motsamai Shanzinza go aga matlo a Baines Drift. A re rre yoo o agilematlo ao ka botswa pelo jo bo kgatlhisang e le motho wa Motswana a sakgaramediwe mo tirong ya gagwe. E ne ya re mothusa mogolwane wa lephata la magolegwa wakgaolo ya bokone Rre Oageng Diseko a amogela baeng a tlhalosa fa BHC e dirilebontle le botsalano gore lephata la bone le nne kwa godimo bogolo jang mobadiring ba bone. Mookamela lephata la Magolegwa mo Botswana Rre SilenceMotlalekgosi a re maikaelelo ke go agela badiri ba bone matlo amatlhatlaganyane, gore ba nne le kgatlhego ya go tla mo dikgaolong, ba seka baganelela kwa ditoropong. O ne a supa fa dilo di le tharo tse di jaaka kgololosego,tshireletso le go tshela sentle bogolo jang le baagisani le go kopanela borokodi le botlhokwa. Rre Motlalekgosi a re go le gantsi bana ba golela kwaditoropong, bakeng la letlhoko la boroko. O supile fa lephata la bone le tlaa leka bojotlhe go agelabadiri ba bone matlo a boroko mo mafelong a Kasane,Tsabong, Baines Drift leLetlhakane. Le gore kwa bofelong lefelo la Baines Drift le kgatlhise ka goitemela merogo le maungo le tse di kgabisang lefelo leo. O ne a rotloetsa badiri go tlhokomela matlo a ba a agetswengle go dirisana le ba sepodise ka ba mo lefelong le lengwefela ka jalo go kadira gore tiro ya bone e nne bonolo. Mogolwane wa magolegwa kwa Baines Drift Rre Oletile Nfanyaneo tlhalositse fa a na le badiri ba le masome a mararo le boraro le magolegwa ale masome a supa le boferabobedi. E ne ya re mothusa mogolwane wa lephata la magolegwa MmeTaduma Christmas a a fa malebogo a supa fa lefelo la Baines Drift e ne e lesekgwa fela mo dingwageng tse di fetileng, fa mo nakong eno e le bontle jobotsabakelang. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ba rotloediwa go sireletsa dithoto Banni ba Selebi Phikwe ba rotloeditswe go tlhokomela dithoto tsa bone bogolo jang ka nako ya malatsi a boitapoloso. Se se builwe ke mookamela sepodise sa pharakano kwa Selebi Phikwe Superintendent Odirile Mosweu kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng go tswa mo kgaolong ya bokone. E rile a tlhalosa maikaelelo a letsatsi, Supretendent Mosweu a supa fa seo e le go lemoga ba ba kileng ba latlhegelwa ke matshelo ka na ba bona dikgobalo ka lebaka la dikotsi tsa tsela. Superintendent Mosweu o supile fa dikotsi tsa tsela di tsweletse ka go gapa matshelo a batho ka dipalo tse di kwa godimo, mme ba dira jalo go lemotsha setshaba le go ba gakolola ka fa ba ka ipalelang ka teng mo ditseleng. Superintendent Mosweu o supile fa sepodise sa Botswana se simolodistse malatsi a a lesome le borataro kgatlhanong le borukutlhi le dikotsi tsa tsela go tlhomamisa gore setshaba se babalesegile le dithoto tsa bone mme ba tlhoka kemo nokeng ya morafe gore maikaelelo a bone a ba tswele maduo. Superintendent Mosweu a re ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go fokotsa dintsho tse di bakwang ke go kgweetsa motho a itshietse nnotagi. Molalediwa wa letsatsi, Dr Mokubung Mokubung yo e leng mookamedi wa lekalana la SPEDU a re badirisi ba tsela ba tshwanetse go nna le neelano ka seo se ka dira gore e re mo nakong e e tlang dintsho tsa tsela di bo di fokotsegile. Dr Mokubung o ne a supa fa banana e le bone ba ba rekang dikoloi ka dipalo tse di kwa godimo mme e bile e le bone ba ba amegang ka bontsi mo dikotsing tsa tsela. Dr Mokubung o ne a supa fa puso e senyegelwa ke madi a mantsi go alafa batho ba ba amilweng ke dikotsi tsa tsela. Kwa bofelong Rre Mafolo Ubepo go tswa kwa lekalaneng la Emergency Services (EMS) kwa Selebi Phikwe o ne a supa fa ba tshwenngwa ke batho bangwe ba ba kgonang go letsa ba tlhalosa fa go diragetse kotsi ka na sengwe se se masisi se diragetse mme go sena nnete ka seo. Rre Ubepo a re go dira jalo go senyetsa puso ka ba a bo ba dirisitse ditsompelo go tsaya mosepele go ya kwa lefelong le go tweng tiragalo e diragaletse gone. Rre Ubepo o ne gape a gakolola morafe gore fa ba bega tiragalo tsa tshoganetso ba tshwanetse go bo ba wetse dibete gore ba tle ba kgone go utlwana le yo ba tlaabong ba bua nae ka gona le dipotso tse ba tlaa tshwanelwang ke go di araba gore ba kgone go thusiwa. Setlhogo sa letsatsi se ne se tlhalosa fa maikaelelo a ba sepodise e le go fokotsa dikotsi tsa tsela le dikgobalo tse di tseneletseng ka sephatlo mo lekgolong go ya go tsena ka ngwaga wa 2020. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Badiri ba Jwaneng ba re letlhoko le kgoreletsa tiro Badirelapuso ba Jwaneng ba boleletse ratoropo fa letlhoko le le golelang pele le ama go ntsha maduo ga bone mo tirong. Ba buile se mo phuthegong ya badirelapuso e e neng e buisiwa ke ratoropo Rre Tsietsi Oodira-Kwenje bosheng. Mme Masego Dingalo wa lephata la makgotla a Setswana o ne a bolelela ratoropo gore seemo se badirelapuso ba tshelelang mo go sone se ngomola pelo. A re go tlhakanela matlo go baka dikgotlhang ka jaana ba farologana ka megopolo le mekgwa, selo se a reng se digela maduo kwa tlase mo tirong. Mme Dingalo o buile gape a tlhalosa fa dingongorego tsa bone tsa dikgang tsa boroko di seke di tsibogelwa, ntswa ba supa fa ba sa tshidisanye sentle. Mme Tsholofelo Khwae ene o ne a ngongorega ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa matlo mo toropong ya Jwaneng. A re ditlhwatlhwa tse di dira gore ba felele ba batla boroko kwa metseng e e bapileng le Jwaneng jaaka motse wa Sese. O kopile gape gore puso e tsenye kgang e leitlho mme e laole ditlhwatlhwa tsa boroko gore badirelapuso ba lese go jewa ntsoma. Le fa go ntse jalo, Mme Selinah Gaborakanelwe ene o ne a tlhalosa gore ere a ntse a dumalana le gore badirelapuso ba tshelela mo diemong tse di thata, go na le bangwe ba ba inyadisetsang mo matlong a a tlhakanetsweng. A re go dira jaana ga go a siama ka go feletsa go baka dikgotlhang mo batho ba feletsang ba sa tshidisanye sentle. Erile a ba kgwa dikgaba, modiri wa ofisi ya matlo kwa ofising ya ga molaodi Mme Bonani Tsheko a supa fa e le boammaaruri kgang ya boroko jwa badirelapuso e le kgwetlho e kgolo mo toropong ya Jwaneng. A re mo bogompienong go na le matlo a badirelapuso a le makgolo a mabedi le bosupamo toropong eo, mme mo go one a le masome a matlhano le bosupa ke a mapodise, a feta masome a matlhano e le a ditlhogo tsa maphata mme a le masome a mane le bongwe e le a ko Samaphaleche. A re mo palong eo go sala matlo a le mmalwa fela a a tshwanelang go abelwa badirelapuso ntswa letlhoko lone le le lentsi. A re e re ka jaana matlo a le palopotlana, ba abela badirelapuso matlo go rekegela diemo tsa malwapa kana bana ba ba nang nabo. Mme Tsheko o boletse fa seemo se ka fetoga fela fa molao wa matlo o ka sekasekwa ka jaana mo bogompienong o supa fa ditlhopha dingwe tsa batho di akaretsa batswakwa, le ditlhogo tsa maphata ba tshwanetse go fiwa matlo pele go ka lejwa badirelapuso ba bangwe. O tlhalositse fa letlhoko la boroko le ka fokotsega fa maphata ka go farologana a ka rekela badiri ba one matlo go itsa gore ba felele ba hirisa a a turang.Erile a tswa la gagwe, Rre Oodira-Kwenje a tlhalosa fa seemo sa matlo a Samaphaleche e le se se ngomolang pelo ebile se tlhokisa batho ba ba nnang koo seriti. A re go lobaka khansele ya toropo eo e ikuela mo go ba Botswana Housing Corporation (BHC) gore matlo ao a thubiwe go agwe a a tsamaisanyang le dinako tsa segompieno a a nang le ditirelo di tshwana le metsi le motlakase. politics 7 Barui ba tlaa reka kwa Lobu E tlaa re mo dikgweding tse di ferang bobedi barui ba bo ba kgona go reka diphoko le diphelehu ka palabalo mo polasing ya puso ya Lobu. Se se builwe ke molaodi wa kgaolo ya Kgalagadi, Rre Rapetse Mathumo yo o supileng gore e re ntswa go tlhabolola polasi eo go simolotswe ngwaga ono, go setse go na le tswelelopele ka jaana barui ba setse ba simolotse go e etela go ya go ikoketsa dithuto tse di fiwang mahala. Rre Mathumo, yo o neng a buisa motseletsele wa diphuthego mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa bosheng, a re barui ba setse ba simolotse go neelwa dithuto di tshwana le go tlhokomela diruiwa, go di alafa le gore di fiwa jang gore di kgone go ntsha maduo. O rile go botlhokwa gore ba inaakanye le tse di dirwang kwa polasing eo ka jaana di ka ba thusa go tlhabolola le go bona maduo mo loruong. Rre Mathumo o boletse gape gore puso e mo thulaganyong ya go aga matlhabelo a dihutshane kwa Tsabong a a tlaa felang ngwaga o o tlang. A re ka jalo barui ba tshwanetse go ititaya ka thupana go oketsa diruiwa tsa bone gore ba tle ba kgone go tshegetsa matllhabelo ao le gone go tlhamela ba bangwe ditiro. E ne e rile a amogela baeng, Kgosi Simon Moseki wa Kolonkwaneng a tlhalosa fa ba na le kgwetlho ya kwa ba ka rekisang diruiwa teng ka gore matlhabelo a Botswana Meat Commision a kgakala le bone. A re seo se ba baya mo boraing jwa go tsiediwa ke bareki. Kgosi Moseki o ne a tlatsa ka go re ba itumelela sediba se ba se filweng ke puso gore ba nose loruo. Banni ka bontsi ba supile fa ba itumelela gore polasi ya Lobu e tsenngwa gape mo tirisong ka e kile ya bo e ba thusa thata. Tshwetso ya go tsosolosa polasi eo ya dihutshane e e simolotsweng ka 1978 kwa Middlepits, e tserwe morago ga go lemoga fa e sa dire sentle. Tsosoloso ya yone e akaretsa theko ya loruo lwa maemo a a kwa godimo le go shwafatsa dikago tsa teng. economy_business_and_finance 3 Molaetsa mo dintshong o tsena sentle Go bonala fa dikgakolo tsa thibelo ya mogare wa corona mo dintshong bangwe bangwe ba di sekegela tsebe jaaka fa go itshupile mo dintshong dingwe mafelo a beke kwa Serowe. BOPA e ne ya tsaya matsapa go bona gore a molaetsa wa puso gore go dirwe jang kwa dintshong, o a goroga. Batho ba ne ba phatlaletse mo patlelong, go dirisiwa segoagoa gore batsena phitlho ba utlwe melaetsa le thero. Dinako di ne di obamelwa, dibui di beetswe dioura tse di kwa tlase ga bobedi fa kwa dijong gone le fa go ne go lebega go le thatanyana, go ne go tlhabilwe dikgomo mme go go gabilwe diphiri le ba lolwapa. Fela jaaka kwa lwapeng, diphiri di ne di beetswe metsi a a nang le molora gore fa ba ntse ga fapaanela digarawe le dipeke, ba tlhape diatla. Ba ba tswang kgakala go ne go na le thulaganyo ya go ba fa dijo mme ba di paka ka diphuthelwana. Dibui di ne tsa dira tiro ka Labotlhano kwa lapeng, Matlhatso a bo e ne e le go ya go baya serepa go bo go lebogwa go phatlaladiwa kwa mabitleng go itsa mosuke le go tsaya nako. Mo potsolosong le malomaagwe moswi, Rre Ontiretse Kenaope a boletse fa ba ne ba gasa molaetsa dinako tsotlhe, go itshireletsa mo mogareng wa corona. O boletse fa bontsi bo tlhaloganya seemo e bile ba ne ba dira jaaka ba gakololwa. Ngwana wa mo lwapeng, Rre Tshepho Pusoetsile a boletse fa phitlho e ne e tsamaisiwa ke kereke ya Conference Apostol kwa Serowe e a boletseng e sena tebelelo. O boletse fa ba dira ka thata kwa kerekeng go gasa molaetsa ka bolwetse jo. health 6 Ramapodisi o kgala thekiso ya motokwane Mookamela mapodisi a Sejelo kwa Kanye, Rre Sello Ntwayagae, o kgadile batsadi ba ba rekisetsang bana motokwane. O buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Kanye bosheng. A re dipalo le ditlhotlhomiso tsa bone di supa fa Kanye e le ene a di gogang kwa pele mo go rekiseng motokwane. Rre Ntwayagae o rotloeditse batsadi go disana gore go nne motlhofo go tshwara batho ba ba rekisang motokwane. “A re nneng badisa ba ba bangwe, ka jalo re ka lwantsha motokwane mo motseng o,” ga bua Rre Ntwayagae. O kopile morafe go tshwaragana go lwantsha tiriso ya motokwane, a tlhalosa fa tiriso ya one e sa siama ka o senyetsa bana bokamoso. Mokwaledi wa komiti ya twantsho borukutlhi mo kgaolong ya Segotshane, Mme Betha Ntshutelang a re ba tsentswe tsebetsebe ke bana ba sekole sa Mathiba. A re bana ba Mathiba ga ba tsene sekole sentle ba nna mo sekgweng sa Pharing, o tlhalositse fa ba ya sekoleng fela ka nako ya dijo mme ba boele mo sekgweng fa ba fetsa go ja. Mme Ntshutelang o buile fa ba nna fela ba alotse bana ba mme ga gona nko epe e e tswang lemina. A re botlhokatsebe ga bo busetse mme bo senya bokamoso jwa ngwana ka jalo o kopa batsadi go ruta bana ba bone tshiamo go nne ba tlaa thanya lo le tsebeng. Mme Ntshutelang o boletse fa ba sa bone boroko ka ntlha ya batsadi ba ba rekisang bojalwa jo bo sa letlelelweng. crime_law_and_justice 1 Motlhala wa mananeo o a bonala Mme Tanyala Ratanang le Mme Axcillia Nthaye ba Dagwi kwa kgaolong potlana ya Tutume ke bangwe ba ba sa iponeng tsapa. Ba ne ba ikopanya le ofisi ya boipelego go tlhaloganya ka mosola wa mananeo a nyeletso lehuma le gone go ikopela dithuso. Mo potsolotsong bosheng, bomme ba ba supile fa lenaneo la nyeletso lehuma la kapei ya borotho le dirile pharologanyo e e bonalang mo matshelong a bone. Mme Tanyala Ratanang, yo o dingwaga tse di masome a mane le bosupa, a re o ne a ikopela lenaneo le morago ga go lemoga fa seemo mo lwapeng la gagwe se sa tokafale e bile go mo diga seriti. A re morago ga tlhaloso ka ofisi ya boipelego kwa Tutume, o ne lemoga fa mananeo a le mantsi mme fela o ne a felela a itlhophela la kapei ya borotho. O boletse gore o lemogile fa e le lone le a ka kgonang go le tsamaisa ka jaana ga le tlhoke sepe se se kalo, a re o dirisa molelo wa leiso go apaya. Mme Ratanang a re o ne a fiwa tsotlhe tse di tlhokegang, a tlhalosa fa tsotlhe mo lapeng di apere tshiamo fa e sale a simolola kgwebo ya gagwe. A re ka dipoelo tse a di dirang, o setse a kgonne go ikagela kamore ya boroko e le nngwe, o tsentse pompo mo lapeng la gagwe e bile o kgona le gone go tlhokomela ba lapa la gagwe. Mme Ratanang a re sengwe se se itumedisang ka kgwebo ya gagwe ke gore o bone dipoelo tse di nametsang ka jaana o filwe tiro ya go apeela bana ba sekolo se sebotlana sa mo motseng. E re dikgang di eme jalo, Mme Axcillia Nthaye, yo o dingwaga tse di masome a mararo le ene o tlhalosa fa lenaneo la kapei ya borotho le mo inotse mo lehumeng. A re morago ga go tlhoka tiro ya sennela ruri, o ne a ikopela dithuso tsa nyeletso lehuma, mme a tlatsa ka go supa fa lenaneo le mo direla dilo motlhofo ka jaana le ene o setse a kgona go oba letsogo ntle le go kopa ope. Mme Nthaye le ene o supa fa dipoelo di nametsa, a re ka nako tse dingwe o ipha matsapa a go etela metse e e gaufi go rekisa le gone go ipapatsa. Sengwe se se itumedisang Mme Nthaye ka kgwebo e ke gore o apaya borotho mo mosong fela mme bo rekwe jotlhe go tlhoke jo bo salang, mme seo se mo fa sebaka sa go ka tsweledisa ditiro tse dingwe. Mme Nthaye o supa fa a setse a ipoloketse madi ka maikaelelo a go tokafatsa dithuto tsa gagwe, a re le fa dikgwetlho di ka tlhagoga tebang le kgwebo ya gagwe, ene o ikiteile sehuba gore ga go sepe se se ka mo digang. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Barekisi ba ipaakanyeditse seemo Go lebega segajaja sa COVID-19 se tlaa kokonela batho ba ba rekisang letlhafula mo tseleng ya Trans Kalahari. Barekisi ba, ba simolotse ba le bantsi, mme jaanong palo e fokotsegile fela thata. Mongwe wa bone ke Mme Bothojwame Dioka, yo a reng ba reka mmidi, magapu, makgomane le ntshe mo masimong a a gaufi le tsela mme ba rekise ka tlhwatlhwa e e ba direlang dipoelo. A re bontsi jwa bareki ba bone ke ba ba fetang le tsela jaaka bakgweetsi ba diteraka ba ba tswang Aferika Borwa le Namibia. Mme Dioka a re ka ntlha ya mogare wa corona, go na le phokotsego ya motsamao mo tseleng eo. A re e re ka a tlhaloganya ditlamorago tsa segajaja mo dikarolong tse di farologaneng tsa itsholelo, o ipaakanyeditse diemo tsotlhe tse di ka tlang. Mme Dioka a re o tsweletse ka go tsenya seemo leitlho, mme mo bogompienong, o emetse gore tse a setseng a di rekile di fele a ba a ya go nna kwa lwapeng jaaka ba botsogo ba rotloetsa. Mme Dioka o rotloeditse barekisi go diragatsa ditaelo tsa botsogo jaaka go neela bareki ba bone metsi le molora gore ba tlhape diatla. A re bophepa jwa didirisiwa tsa bone le jone bo ka thibela kanamo ya mogare oo. Rre Tsaone Tsiripane ene a re o tlogetse botshelo jwa toropo kgwedi e e fetileng go ya go rekisa legwetla mme o ikemiseditse ditshwetso tsotlhe tsa botsogo tse di thibelang kanamo ya mogare wa corona. O supile fa mo dibekeng tse di fetileng a lemogile fa dipoelo tsa go rekisa di le botoka go na le tiro e a ntseng a e bereka kwa Gaborone, bogolo jang ka mafelo a beke fa metsamao ya batho e le mentsi. Rre Tsiripane o supile fa a ne a simolola go ipaakanyetsa diemo tse di ka gomagometsang kgwebo ya gagwe fa a sena go utlwa melao e mesha ya dipalamo, ka jaana se se raya gore palo ya bareki le yone e tlaa fokotsega. O tlhalositse fa a reka mo go lekanetseng fela, go ipaakanyetsa sepe fela se se ka tlhagang. A re se se tlaa mo thusa gore fa dikgwebo di tswalwa a ba a sa tshola dijo tse dintsi tse di ka senyegang. Le fa go ntse jalo, Mme Gorata Lesole ene o tlhalositse fa melao e mesha ya botsogo e tlaa mo thusa go tlhokomela bana le metsamao ya bone kwa lwapeng. A re o ntse a rekisa dijo tse di apeilweng mme o tsere tshwetso ya go tswala madirelo gore bareki ba mo leletse fa ba tlhoka dijo. A re o tsere tshwetso e morago ga go lemoga fa theko e le kwa tlase mo jaanong a neng a patelesega go boa ka dijo malatsi a tlhomagana. A re le fa go fokotsega ga batho mo ditseleng go amile dikgwebo tse dipotlana, ba tlhaloganya gore maikaelelo a puso ke go babalela botsogo jwa setshaba kgatlhanong le COVID-19. health 6 Palapye o simolodisa kokelwana ya itlhatlhobelo kankere Sepatela sa Palapye se butse kokelwana ya itlhatlhobelo kankere go thusa bomme go dupa kankere ya molomo wa popelo ka nako. Kokelwana e, e ba e teileng leina ba re See and Treat, e bulwa fa gare ga beke mme e itebagantse le bomme ba ba dingwaga tse di masome mararo go ya kwa go masome mane le borobabongwe. Mo potsolotsong le BOPA, moanamisa mafoko wa sepatela sa Palapye, Mme Mpho Modibedi o rotloeditse bomme go ikgogela kokelwaneng eo go itlhatlhobela kankere. Ka bomme ba ba nang le mogare wa HIV ba lebanwe ke diphatsa tsa go ka tsenwa ke kankere ya molomo wa popelo, Mme Modebedi o ba gakolotse le bone go dirisa kokelwana e. A re se se ka thusa gore fa motho a na le matlhasedi a kankere ba bongaka ba kgone go lemoga go santse go na le nako gore ba mo tsenye mo kalafing. Lenaneo la See and Treat le remeletse mo go dupeng kankere mo go bomme gore fa go na le matlhasedi a kankere ba kgone go e alafa pele e ka jwalelela, ka fa e setse e le mo seemong se e nna thata go alafesega. Tlhatlhobo e, e e tlwaelesegileng ka leina la VIA, e dirwa ka go tshasa vinegar mo molomong wa popelo gore sepe se se ka tswang se amilwe ke kankere se itshupe, ka jalo se se fe ba bongaka sebaka sa go tsenya molwetse mo kalafing e e maleba. Mme Modibedi a re fa e le gore go na le dirwe dingwe tse di setseng di koafaditswe ke kankere, molwetse o fetisediwa kwa a tlaa yang go bona kalafi ya kankere e e ka nnang tiriso ya marang a a phunyeletsang, tiriso ya dikhemikhale kana loaro. E re ntswa kankere e kgona go thibelwa, Mme Modibedi a re bolwetse jo bo tsweletse ka go gapa matshelo. A re tlhatlhobo e botlhokwa mo go bomme ba ba santseng ba le matlhagatlhaga mo go tsa tlhakanelo dikobo, ka jalo fa ba bongaka ba itemogetse matlhasedi a kankere go sale pele ba kgona go ba tsenya mo kalafing kana ba ba fetisetse kwa go nang le dithuso tse di maleba teng. Ka jalo, se se ka fokotsa dipalo tse di golang tsa batho ba ba angwang ke kankere. Lenaneo la See and Treat ga le emisetse le le ntseng le le teng la Pap Smear, ka jalo le ntse le tsweletse kwa dipateleng. BOKHUTLO health 6 Kotsi e bolaile mosadi Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mmotorokara wa Lexus o neng wa thula wa BMW kwa morago. Mogolwane wa mapodisi a Tutume, Superintendent Jerry Halahala a re kotsi eo e diragatse kwa Makuta mo tseleng ya Tutume/Francistown ka Matlhatso ka nako ya boferabobedi bosigo. Superintendent Halahala a re go lebega dikoloi tseo di ne di tlhomagane, mokgweetsi wa koloi ya Lexus a ne a thula BMW kwa morago mme bapalami ba BMW ba ba neng ba le bane ba gobala. O boletse fa ba ne ba ragosetsa bone joo kwa kokelong ya Tutume kwa go ilweng ga tlhomamisiwa fa mme wa dingwaga tse di fa gare ga masome mabedi le boraro le masome mararo a tlhokafetse,fa ba bangwe ba babedi ba ne ba fetisediwa kwa kokelong ya Nyangabgwe kwa ba sidilegang teng. Mokgweetsi wa BMW o ne a alafelwa dikgobalo tse dipotlana mme a gololwa. O supa fa bapagami ba Lexus ba le bone ba neng ba le bane ba ne ba seka ba bona dikgobalo dipe. Superintendent Halahala a re ba tshegeditse mokgweetsi wa Lexus wa dingwaga tse di fa gare ga masome mabedi le boraro go ya kwa go masome mararo go ba thusa mo ditlhotlhomisong. O tlhalosa fa moswi a tlholega kwa Serowe mme a ne a ithutela bongaka kwa China mme jaanong a le mo malatsing a boitapoloso mono. Setopo se kwa setsidifatsing sa kokelo ya Tutume go tlhatlhojwa ke dingaka. Superintendent Halahala o ikuetse mo bakgweetsing go tlogela mokgwa wa go kgweetsa ba itshietse. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Mudongo o itumelela ditlhabololo Kgosi wa Nlapkhwane mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Kgosi Mukani Mudongo a re o itumelela madi a tlhabololo dikgaolwana ka a ba thusitse go aga motlobo wa dibuka. O tlhalositse fa ba ne ba tshelela mo tshokolong, pele ga kago eo, e e lopileng P476 000. A re madi ao, a tlodisa metse selegae melatswana go dira dingwe ditoro tsa bone, segolo jang mo go tsa ditlhabololo. Kgosi Mudongo a re ga ba a bolo go sotlega segolo jang fa go tla mo go atoloseng dithuto tsa bana ba bone. A re jaanong difatlhego tsa bone di tletse monyenyo ka dikago tsa bone tsa motlobo wa dibuka di le gaufi le go fela. O supile fa thuto e le yone konokono mo botshelong jwa motho, a tlatsa ka go re o solofetse go bona phetogo mo dithutong ga mmogo le maduo a bana mo sekoleng. A re dikago tse gape di tlhamile mebereko mo motseng le ntswa e le ya nakwana. O tlhalositse fa gape go na le ba ba tshepisitseng dibuka, ka jalo dithuto tsa bana di tlaa gola. O ne a kopela motlobo wa bone didirisiwa di tshwana le dibalamakgolo, dibuka le tse dingwe tse di ka thusang go tokafatsa dithuto le dikitso tsa bana mmogo le bagolo mo motseng. Kgosi Mudongo o ne a akgola kakanyo e ntle ya puso ya madi a tlhabololo ka e thusa go lere ditlhabololo, segolo jang mo metseng e e kgakala le ditlamelo. Mo go tse dingwe, Kgosi o tlhalositse fa ba tshwenngwa ke leruo le le gasameng le motse wa gagwe ka le tlhorontsha balemi. Kgosi Mudongo o supile fa go sena ope yo o tsayang boikarabelo ka leruo leo, a tlatsa ka go re beng ba lone ba tsene ka lenga la seloko ka ba tshaba go lebisiwa molato wa tshenyo. A re motse wa gagabo o ne o itsewe ka thobo e namagadi ngwaga le ngwaga, a supa fa ba ne ba atle ba tshware moletlo wa thobo mme a tlatsa ka gore monongwaga bontsi jwa balemi ba iphotlhere ke dilelo fela ntateng ya leruo le le inaakantseng le temo. A re se se baka dikgotlhang mo motseng ka a sa itse gore o ka rarabolola dikgang tsa mofuta o jang ka bontsi jwa leruo bo sena beng. “Balemi ba motse wa Nlapkhwane, ke balemi ba ba tlhaga e bile ba tsaya temo ka tlhoafalo ka jalo se se ba kgoba marapo ka ba lemela lefela ka ntlha ya leruo le le ba thorontshang.” Kgosi Mudongo o ne gape a supa fa bontsi jwa leruo leo, segolo jang ditonki di sena ditshipi go kaya gore ke tsa ga mang, ka jalo go le thata gore ba ka lebisisa mang molato wa tshenyo mo masimo. “Bontsi jwa balemi ba santse ba dirisa ditonki go lema, mme fa ba fetsa ba a di itatola, gape ga ba di tlhokomele, ka jalo di tlala le naga go batla mafulo a matalana,” ga bua kgosi. Kgosi o ne gape a supa fa ba tshwenngwa ke batswakwa ba ba tsenang mo lefatsheng le ntle le diteseletso. A re le fa go ntse jalo, banni ba Nlapkhwane, Mapoka le Zwenshambe ba ititeile ka thupana go fedisa borukutlhi mo metseng e. O supile fa ba ikgobokantse go dira mokgatlho wa twantsho borukutlhi, mme e bile ba tlaa dira jalo ba sa boele morago ka e bile ba bapile le terata ya molelwane oo kgaoganyang Botswana le Zimbabwe. BOKHUTLO education 4 Kgosi o kgala ba ba rekisetsang bana ditagi Kgosi Keineetse Sebele wa kgotla ya Phase 4 mo Gaborone a re ga a jesiwe diwelang ke batsadi ba ba rekisetsang bana ditagi. O buile jalo kwa pitsong ya botsogo kwa kgotleng ya Phase 4 bosheng. A re mokgwa wa go dira jalo o maswe e bile o ka senyetsa bana bokamoso. A re batsadi ba ba dirang jalo ba potoka motokwane jaaka o ka re ke dilekere mme ba rekisetse bana ba sekole. Kgosi o boletse fa madi a motho yo o dirisang diritibatsi a ganana le kalafi. A re fa motho a tshwaregile ke ditlhabi ga go motlhofo a ka thusiwa ke melemo ka jaana madi a gagwe a na le bothata jwa ditagi. O ne a kopa batsadi go kganela mokgwa wa go rekisetsa bana ditagi, a re ba seka ba o letlelela go tsena ka malwapa a bone. E rile a ntsha la gagwe, mookamedi wa kokelo ya Julia Molefhe, Mme Dineo Nkgageng a re maikaelelo a kokelo eo ke go ntsha ditirelo tse di tswanetseng. O ne a tlhalosa fa kokelo ya Julia Molefhe e butswe ka 1999 go ntsha ditirelo tsa botsogo bosigo le motshegare. A re kokelo ya Julia Molefhe e ntsha ditirelo di akaretsa tsa thibelo malwetse, dithuto tsa botsogo, melemo le diritibatsi ga mmogo le mekento ya bana. Le fa go ntse jalo, Mme Nkgageng o tlhalositse fa dingwe dithuso e le tse di bonwang motshegare fela. A re le fa kokelo e nnile le ditlhabololo e sa ntse e ise e kgone go ntsha ditirelo di tshwana le tsa pelegi. Mme Nkgageng o ne a sedimosetsa batsena phuthego ka ditlhabololo tse di dirilweng mo kokelong. A re go ne ga dirwa ntlwana e e fang thuso ya potlako, e e nang le malao a le mane go thusa ba ba pitlaganeng thata. O tlhalositse gape fa kokelo ya Julia Molefhe e atolositse ka fa go tseelwang dipilisi le melemo teng. O boletse gape fa kokelo e na le ntlwana e go tlhatlhobelwang mo go yone mme e ise e nne mo tirisong ka e emetse go tsenngwa didirisiwa. Mme Nkgageng a re kokelo e okeditse lefelo le go emelwang dithuso mo go lone go itsa mosuke. O ne a tlhalosa fa kokelo ya Julia Molefhe e amogela motho mongwe le mongwe yo o batlang dithuso tsa botsogo. BOKHUTLO health 6 ‘Emisang go rekisa motokwane’ Bodiredi jwa khansele-potlana ya Ghanzi Botlhaba bo gakolotswe gore go ngongoregela ruri mo tirong go ka ama go isa ditlamelo kwa bathong, e bile go dira gore go seka ga nna le tirisano e e siamemg. Se se supilwe ke moemedi wa khamphani ya Jwala Consultancy, Mme Margaret Kandjiise, yo o itebagantseng le go sidila batho maikutlo ka letsatsi la go itshidila mmele la babereki ba khansele-potlana ya Ghanzi Botlhaba bosheng. Mme Kandjiise a re o tshwantse go itsaya sentle fa o na le ba bangwe mo tirong. A re go botlhokwa gore fa bodiredi bo le mo tirong, bo nne seopo sengwe le go thusa Batswana ka nako, gore ba ntshe maduo a a bonalang mo tirong ya bone ya letsatsi le letsatsi. Mme Kandjiise o rotloeditse bodiredi go tshwenyega ka botsogo jwa bone, a re botsogo jwa motho ke boikarabelo jwa gagwe e seng ope gape. A re fa bodiredi bo dira mmogo, ga bo a tshwanela go nna le go akanyetsa ba bangwe dilo tse di sa siamang, kgotsa ba seka ba nna le mowa wa go ipusolosetsa kgotsa wa lefufa ka gore o ka baka dikgotlhang. O ne a ba gakolola gore ba seka ba tsisa mathata a kwa lwapeng mo tirong, a supa gore fa motho a na le mathata, o ka lekodisa badiri ka ene gore ba kgone go mothusa, eseng go tlhola a galefile a sa buise ope ka lerato. A re fa o le motho, o tshwanetse go leboga mongwe ka wena fa a direle tiro e e kgotsafatsang, gore le ene ka moso a seka a itsapa fa gotwe a dire tiro, mme e bile seo se tsholetsa maduo mo tirong. E rile Dr Pogiso Letswere wa kokelo ya meno mo Ghanzi ya Family Dentist, a bula semmuso letsatsi leo, a supa fa go le botlhokwa go tsibosa setshaba ka malwetse a a sa tshelanweng. Dr Letswere a re letsatsi leo, ke la go rutuntsha le go rotloetsa morafe wa Ghanzi go nna le botsogo jo bo siameng. A re itshidilo ke selo sa botlhokwa mo botsogong jwa motho, e bile go ka falotsa batho mo malwetseng a a sa tshelwaneng.Dr Letswere o kopile batsena letsatsi leo go ja merogo le maungo letsatsi le letsatsi ka gore di siametse botsogo jwa motho. A re go iphitisa notagi le kgogo ya motsoko go diphatsa mo botsogo jwa motho. O ne a supa fa go le botlhokwa go fokotsa mebele ka e sa siamela botsogo. Dr Letswere o kopile setshaba go itlhokomela fa ba tsenwe ke malwetse a a sa tshelwaneng ka gore a diphatsa. A re malwetsi ao, a tsena motho ka bonya mme a felele a le borai mo matshelong a batho. O kopile Batswana go sala ditaelo tsa bongaka ka gore ke tsone fela tse di ka dirang gore motho a tshele lobaka. Dr Letswere a re mangwe malwetsi ga a na kalafi. BOPA health 6 Komiti e tshwenngwa ke seemo sa itsholelo Komiti ya ditlhabololo tsa Machaneng kwa kgaolong ya Tswapong, e tshwentswe ke seemo sa itsholelo e e kwa tlase mo bontsing jwa banni ba motse. Maloko a komiti eo, a supile matshwenyego fa ba kopane kwa ofising ya bone go sekaseka le go lekodisana ka seemo sa itsholelo ya Machaneng bosheng. Mongwe wa maloko, Mme Kesentseng Richard, o ne a bolela gore le ntswa puso e leka ka bojotlhe go thusa setshaba ka tsotlhe tse e ka di kgonang go tokafatsa itsholelo, kwa Machaneng dikgwetlho di busetsa maiteko ao kwa morago. Mme Richard a re dingwe tsa dikgwetlho tse ba setseng ba di itemogetse tse di amang mananeo a akaretse a LIMID, YDF le nyeletso lehuma ke leuba, malwetse a diruiwa, bogodu ja leruo, tiego ya go thusa ba ba ikopetseng dithuso tsa mananeo ka go farologana, go tlhoka go tlhaloganya sentle ka mananeo ga banni le bokgakala jwa diofisi dingwe tse di thusang ka mananeo. A tlatsa ka gore tiego ya dituelo tsa batho ba go rekelwang ba bangwe leruo mo go bone ga mmogo le tsa banana ba ba dirang mo Tirelo Setshaba le tsone di a tshwenya. O ne a tswelela ka go supa fa gape e rile mo dingwageng tse di fetilerng Machaneng wa amiwa thata ke dintsho tse dintsi tse di neng di bakwa ke bolwetse ba HIV/AIDS. Mme Richard o bolela fa seemo seo, se bakile gore palo ya dikhutsana le malwapa a a sa kgoneng e ntsifale thata mo motseng. A re ka jaana bontsi jwa morafe wa Machaneng ba sena sepe sa sennela ruri se ba ka itshetsang ka sone, se se baka mosuke o o kwa godimo fa go tsena nako ya khiro ya Ipelegeng. Mme Richard a re seemo se sa itsholelo e e ngomolang pelo se baka gore bangwe banana ba inaakanye le borukutlhi bo tshwana le bogodu. E rile a mo tlatsa, modulasetilo wa komiti eo Rre Modiri Kgakge a re bone e le komiti e e sa tswang go tlhophiwa bosheng ba ikaelela go tokafatsa seemo se. Rre Kgakga a re ba tlaa simolola ka go bitsa dikomiti tsotlhe tsa mo motseng le maphata a puso gore ba tswe ka ditsela tse ba ka di dirisang. A re mme kwa morago ba tlaa bitsa morafe otlhe wa motse go tla go tshwaraganela kgang e. Rre Kgakge a re go ngomola pelo go bona puso e tsweletse ka go ntsha madi a mantsi ka maiteko a go thusa setshaba mme jaanong go sena tswelelopele. A bolela fa puso e tshwanetse go nna le dipoelo tse di kgotsofatsang mo go se e se dirang. Rre Kgakge o ne a kopa banni ba Machaneng gore ba seka ba ipona tsapa mme ba ikemele ka dinao go tokafatsa matshelo a bone. O ne a supa fa a ngongoregela dipalo tse gantsi banni ba tsenang diphuthego tsa matona le maphata a puso ka tsone a re di kwa tlase, selo se a reng se baka gore banni ba tlolwe ke melaetsa e e botlhokwa e e ka ba thusang go tlola melatswana. society 9 Maruje o lebogela Ipelegeng Lenaneo la Ipelegeng le le neng le itsege thata mo malobeng ka leina la namola leuba le tsweletse ka go dira bontle mo kgaolong ya Bokone Botlhaba. Go ya ka Kgosi Maruje III, lenaneo le, le diretse motse wa gagwe bontle tebang le tsa ditlhabololo. Kgosi Maruje III a re lenaneo le le tsweletse ka go dira ditiro tse di farologaneng, a tlhalosa fa mo nakong eno go agiwa metlaagana e e tla dirisiwang ke bagwebi ba ba botlana, selo se a reng se tla a thusa go godisa itsholelo ya motse wa gagwe. O tlhalositse fa bosheng, motse wa Masunga o ne wa gapa sekgele morago ga go gaisa metse e mengwe ka bophepa, a kaya fa go phephafatsa go ne go dirwa ke babereki ba Ipelegeng. Go ya ka Kgosi Maruje III, puso e kgonne go bepisa letlhoko le batho ba metse-selegae ba neng ba tshelela mo go lone. A re ka ntlha ya fa ba kile ba dira ka natla mo Ipelegeng, banni bangwe ba setse ba dira bontle mo dikomiting tse dingwe jaaka ya ditlhabololo tsa motse, ya balemi-barui, a bolela fa batho ba go nna jalo ba supile bokgoni le lorato mo go lweleng ditlhabololo tsa metse ka nako ya fa ba direla kwa Ipelegeng. Kgosi Maruje III o kopile puso go oketsa sebaka se babereki ba Ipelegeng ba se fiwang mo tirong go leka go thusa gore ba kgone go fitlhelela ditoro le dikeletso tsa bone. A re dikatso tse ba di fiwang ba ka dira sengwe se se botoka fa ba ne ba ka fiwa sebaka se seleejana mo lenaneong leo. O supile fa a eletsa gape go bona puso e isa babereki ba Ipelegeng kwa dikoleng tsa tiro ya diatla go ya go ithutela ditiro ka go farologana jaaka tsa go aga le tse dingwe tse di dirwang mo Ipelegeng. Kgosi ya Mulambakwena, Kgosi Sam Jorowe o tlhalositse fa a itumeletse go bona le ene kgotla ya gagwe e nnile nngwe ya tse di sego go tlhabololwa ke ba Ipelegeng. Mme Thelma Madzambi yo e kileng ya bo ele mmereki wa pele wa Ipelegeng o tlhalositse fa le ene a kgonne go itatswa menwana ka matsana a Ipelegeng ka a kgonne go ithekela dilwana tsa mo ntlong. A re e re ka jaana go bereka mo Ipelegeng go akaretsa go tshwara ka diatla, seo se mo thusitse thata ka go fa mmele wa mmereki itshidilo e e tlhokegang. Mme Mazambi a e re le ntswa ditlhabololo di tla ka monokela mo motseng wa gaabo, lenaneo le, le thusitse ka go agela lebala la metshameko la motse wa bone matlwana a boitiketso. O akgotse maiteko a puso a go simolodisa lenaneo le ka jaana ditiro di le thata go ka bonwa segolo jang mo metseng e mebotlana. Mmereki yo mongwe wa Ipelegeng Mme Senzeni Mashaka, yo o neng a rwele matogo a dijo e bile a rekile le diaparo, o supile fa lenaneo le mo thusa go oba letsogo. O tlhalositse fa a tshela botshelo jo bo eletsegang ka a kgona go robala a bone diyamaleng le bana ba itshireleditse ka diaparo tse di bothitho. Mme Mashaka o tlhalositse fa banni ba motse wa gaabo ba ithusa thata ka Ipelegeng ka go sena ditiro kwa motseng wa Zwenshambe. E re ka jaana bontsi jwa ditlhabololo tsa metse selegae di gogwa kwa tlhogong ke dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse, maloko a komiti ya motse wa Zwenshambe , Rre Wazha Moroka le Mme Banabotlhe Masala ba tlhalositse fa lenaneo le, le thusitse komiti eo go menagane ka ba le bosi ba ka se kgone go diragatsa ditoro tsa motse oo. Ba tlhalositse fa lenaneo le, le kgonne go aga masaka a matimela, go shafatsa matlo a barutabana gammogo le dikago tse dingwe tsa puso. Rre Moroka o tlhalositse gore le fa lenaneo le le tsweletse ka go dira bontle, dikeletso tsa gagwe ke go bona le thapa banana go na le bagodi ka jaana bagodi bone go setse go nale dikatso tse ba di amogelang. O tsweletse ka gore banana ba santse ba nale natla go ka dira ditiro tsa Ipelegeng botoka fa bontsi jwa bagodi ba tshabelelwa ke makoa a a amang ka fa ba ka ntshang maduo mo tirong ka teng. society 9 Botswana e thusa ba ba amilweng ke Ebola Mo maitekong a go thusa mafatshe a a amilweng ke bolwetse jwa Ebola, Botswana e ntshitse dikoloi tsa Land Cruiser di le lesome le botlhano go thusa go lwantsha bolwetse joo kwa Liberia, Guinea le Sierra Leone. Mekgatlho ya sefapaano se sehibidu mo mafatsheng ka go farologana e ntse e ntsha dithuso tsa bongaka le go isa baithaopi go thusa kwa mafatsheng a a kwa bophirima jwa Aferika mme Botswana o ntshitse thuso ya gagwe morago ga dikgwedinyana bolwetse joo bo sena go tlhagoga. Tlhagogo ya bolwetse jo, e eleng e kgolo go di gaisa e amile fela thata tsa botsogo le ditlhaeletsano kwa mafatsheng a bophirima jwa Aferika a amilweng ke bolwetse jo ka bontsi jwa one a ise a ke a amiwe ke bolwetse jo go le pele. Mo potsolotsong le BOPA bosheng, mogolwane wa sefapaano se sehibidu mo Botswana, Rre Obakeng Sethomo o boletse gore mokwaledi mogolo mokgatlho oo, Mme Marble Rammekwa o neetse mokwaledi mogolo wa lekgotla la mafatshefatshe la sefapaano se sehibidu Rre Elhadj As Syon dikoloi tseo mo boemong jwa puso ya Botswana kgwedi eno e simologa. Rre Sethomo a re dikoloi tseo di amogetswe ke mekgatlho ya sefapaano se sehibidu a mafatshe a Liberia, Guinea le Sierra Leone. Mo molaetseng wa gagwe o lebagantswe le puso ya Botswana , mogolwane wa IFRC kwa Dakar, Rre Momodou Lamin Fye o galaleditse lefatshe la Botswana seabe sa lone mo go tlhabantsheng bolwetse jwa Ebola jo bo amileng mafatshe a bophirima jwa Aferika. Mo boemong jwa mekgatlho ya sefapaano se sehibidu sa Liberia, Guinea le Sierra Leone, Rre Fye a re IFRC e batla go netefaletsa lefatshe la Botswana le batho ba lone ga mmogo le mokgatlho wa sefapaano se sehibidu gore dikoloi tseo di tla thusa fela thata go kgona go thusa batho ba ba tlhokang thuso ya bone. health 6 Madirelo a mashi a tlaa bona thuso Local Enterprise Authority (LEA) le khamphani ya MilkAfric, e e gwebang ka mashi, ba dirile tumalano ya go tswa ka megopolo wa go thusa barui ba dikgomo tsa mashi le bagwebi ba mashi. Mokwalo o o supang maitlamo ao, o supa gore go tlaa dirisiwa polase nngwe ya dikgomo tsa mashi kwa kgaolong ya Lobatse, go supa gore kgwebo eo e ka tsamaisiwa jang gore e nne le dipoelo. Mokwalo oo o supa le gore mashi a tlhaela fela thata mo lefatsheng leno, o supa le gore dikgomo tsa mashi di tlhaelela kgakala, o re palo ya tsone ke 5 000 mme go solofelwa lefatshe leno le ka lekanwa ke mashi a dikgomo di le 15 000, go nosa Batswana ngwaga otlhe. E rile kwa moletlong o o neng o rulaganyeditswe tumalano eo, makgotla ao ka bobedi, a supa gore tshwaragano eo e tlaa ntsha maduo a a bonalang le tirisano ya sebaka se seleele. Lekgotla la MilkAfric le tlhamilwe ka 2010 ka maikaelelo a go tshegetsa mhama wa kgwebo ya mashi le go ntsha dijo tsa maemo a a kwa godimo ga mmogo le go ruta ka tsamaiso e e ka melediwang mathe. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Maphata a puso le morafe ba a itshekatsheka E re ka puso e tshwentswe ke dilelo go tswa mo setshabeng ka kakaretso ka go tlhoka go bona ditirelo tsa puso ka fa go kgotsofatsang ka teng, maphata a puso go tswa mo Lobatse a ne a rulaganya letsatsi la go isa ditirelo kwa setshabeng go tla go rutuntsha banni ka ditirelo tsa bone le go tsaya dikakgelo gore ba ka tokafatsa ditirelo tsa bone jang gore setshaba se di akole bonolo. E rile a akgela, mothusa molaodi wa toropo ya Lobatse, Mme Kolobetso Sejakgomo a re ba tsere tshwetso ya gore ba tswele kwa setshabeng gore ba kopane le morafe go ba atumeletsa ditirelo le gone gore ba itse bodiredi jwa maphata. Mme Sejakgomo a re ba eletsa gore Batswana ba ba gakolole gore maphata a tokafatse ditirelo tsa bone jang, le gore a bodiredi bo dira ka natla go fa morafe ditirelo ka fa go tshwanetseng ka teng. Mogolwane kwa ofising ya boipelego mo khanseleng ya Lobatse, Rre Thomas Mokgethi, o boletse gore mo lephateng leo ba itebagantse le matshelo a batho mo gae. Rre Mokgethi o tlhalositse ka lenaneo la puso le a reng jaaka baithuti ba ikopela diphatlha kwa dikoleng tse dikgolwane tsa ithutelo tiro, go tlhoka gore ba bo ba fitlheletse seelo se se beilweng sa dintlha tse di masome mararo le borataro. A re fa e le ba ba thusiwang ke lephata la boipelego ba ka ikopela ka seelo sa masome a mararo le bongwe. O ne a tlatsa ka go re a puso e lemoga gore bana bao fa ba ne ba bona thotloetso ya batsadi ba ka bo ba dirile botoka. O bolela gore mo lephateng leo, ba sidila bana maikutlo, go ba nonotsha gore ba ikamogele, ba emelelane le dikgwetlho tsa botshelo. Mothusa mokwaledi mo khanseleng ya Lobatse, Rre Mike Taukobong, o ne a gakolola morafe go duela madi a ditlamelo ka gore fa ba nna maoto a tshupa go di duela go baya khansele ka fa mosing go ka tsamaisa ditirelo tsa yone ka tshosologo. O ne a tlatsa ka go re se ke sone se se dirang gore mananeo a seka a dirwa, a bolela gore ba tlaa tsena ntlo le ntlwana ba gakolola morafe, le fa bothata e le gore beng ba malwapa ga ba yo go nna bahirisi fela mme se se dira tiro ya bone thata le go feta. Rre Taukobong a re fa mong wa setsha a tlhokafetse ba begelwe gore ba baakanye mekwalo. Rre Taukobong o boletse gore kgang e nngwe e e tshwentseng puso ke ya tshenyetso setshaba. A re puso e a leka go lwantsha tshenyetso setshaba e ise e kekele. O ne a tlatsa ka go re ba tlhamile dikomiti tse ba eletsang gore morafe o nne le baemedi mo go tsone. A re dikomiti tseo di kopana kgwedi le kgwedi. O rotloeditse morafe go bega dikgang tsa tshenyetso setshaba, a kgothatsa gape morafe go tsena diphuthego tsa khansele go utlwa baemedi ba bone ba bua ka dikgang tsa setshaba. Mogolwane wa botsogo le boitekanelo mo kokelong ya Athlone, Mme Tilwane Mokgatle o ne a rotloetsa borre go ititaya ka thupana, ba tsibogele go kopa ditlamelo tsa botsogo. A re ba batla lenaneo le ka lone ba ka kgonang go kgobokanya borre fela gore ba kgone ba itlhatlhobele mogare wa HIV, gore ba itse seemo sa bone nako e le teng mme ba tsee dikgato tse di maleba. O ne a kopa morafe go ba thusa ka megopolo e e ka rotloetsang borre go nna ba etela dikokelo go ikopela dithuso tsa bongaka go na le go tshabela kgakala. Mme Mokgatle a re go botlhokwa gore borre ba dire loaro lwa borre lo lo babalesegileng go fokotsa kgonagalo ya go tsenwa ke mogare. O ne a gwetlha setshaba go itlhokomela ka jaana morago ga dipula tse di sa tswang go gosomana, go ka nna le bolwetse jwa letshoroma, a rotloetsa gore go ntshiwe tsotlhe tse di ka okang monang mo malwapeng. Mo go tse dingwe o supile fa nnotagi mo baithuting e golela pele ka monokela, ka jalo a gwetlha batsadi go nna podimatseba go netefatsa gore bana ga ba rekisediwe ditagi. Fa a amogela baeng, Kgosi Segale Letshele wa kgotla ya Peleng, o akgoletse morafe go tsena phuthego ka bontsi gore ba itseele tse di molemo go tswa mo maphateng. O ne a ba gwetlha go tswelela ba etela diofisi go ithuta go le gontsi ka ditirelo tsa puso. BOKHUTLO politics 7 Seemo sa metsi se a nametsa kwa Boteti Modulasitilo wa khansele-potlana ya Boteti, Rre Molemi Galeragwe a re metse ya Rakops, Toromoja le Mmea e santse e tlhaelelwa ke metsi. Rre Galeragwe o buile jaana bosheng fa a bula dipuisano tsa khansele-potlana ya Boteti mo Letlhakane. A re le fa go ntse jalo seemo sa metsi ka kakaretso se a nametsa mo kgaolong ya Boteti. O gateletse gore mo metseng e le lesome le bosupa e e mo kgaolwaneng ya Boteti, metse ya Rakops, Toromoja le Mmea ke yone fela e e thlaelelwang ke metsi. Rre Galeragwe o tlhalosa gore ba Water Utilities Corporation ba tsweletse ka go tokafatsa seemo sa metsi mo kgaolong ya Boteti. Modulasitilo a re go tlaa gokelwa didiba di le pedi le go atolosa phatlalatso ya metsi mo Letlhakane. O supile gape gore kwa Rakops tiro ya go gokela diphaephe mo sedibeng se sesha e tsweletse mme e solofetswe go wela kgwedi ya Lwetse e le fa gare. Rre Galeragwe o a re go agwa ga mafaratlhatlha a metsi a a bidiwang Boteti South and Central Cluster Villages Supply le gone go tsweletse. A re tiro ya go gokela metsi mo metseng ya borwa le bogare jwa Boteti e tlaa dirwa morago ga go wetsa moalo le go ntshiwa ga pego e e supang gore trio eo e tlaa ama jang tikologo. Le fa go ntse jalo, modulasitilo o kopile ba-na-le seabe go bereka mmogo ba tshwaragane le ntswa ba itemogela dikgwetlho gore ba kgone go ntsha maduo. Modulasetilo o ba roltoeditse go bereka ka natla go tlhabolola kgaolo ya Boteti. A re go dira jalo ba tlaa tokafatsa matshelo a tshaba e ba e direlang. BOKHUTLO society 9 Paakanyetso moletlo wa ga Kgosi Joel e tsweletse Modulasetilo wa paakanyetso moletlo wa moemela kgosi Ezekiel Joel Masilo o tsweletse sentle. Mo potsolotsong bosheng kwa Bobonong Rre Constantine Matho yo e leng modulasetilo wa komiti e e lebaganeng le moletlo, a re Babirwa ba ne ba bona go le maleba go direla moemela kgosi yo mogolwane kwa Bobonong moletlo. A re moletlo o ya go tshwarwa ka Seetebosigo e le masome a mabedi le boferabobedi kwa kgotleng kgolo ya Bobonong. Modulasetilo Rre Matho a re moletlo o rulagantswe ke batsadi ba ga kgosi le Babirwa. O ne a tlhalosa gore moletlo oo o tlaa natefisiwa ka mmino wa Sebirwa, dikoma, maboko, go tlhalosiwa ditso tsa ga Kgosi Masilo. Rre Matho o laletsa Babirwa lefatshe ka bophara gore ba tsene mo tirong eo ka makatlanamane le go ba kopa go ntsha dimpho tsa mofuta mongwe le mongwe o ba ka o kgonang gore letsatsi leo le atlege. O tlhalositse gore ba ba nang le ditsala ba ba kope gore ba seka ba ba kgaphela kwa ntle mo go ba kopeng dithuso le go ba laletsa, ga mmogo le ba dikhamphani tse di ikemetseng go thusa go atlega ga moletlo. O boletse fa setlhogo sa letsatsi e le Bokhujwejwa Boalaganwa, a tlhalosa gore go raya se se dumalanweng. Go tlaa bo go jewa dijo tse di farologaneng tsa Setswana jaaka morogo wa konbswe, bogobe jwa nthiaane le jwa thopi. Rre Matho o supile gore kapari e tlaa bo e le ya setso. Mophato wa ga kgosi o e leng wa 1975 go ya kwa go 1979 le bone ba tlaa bo ba le teng ba apaere kapari ya ngwao fa borre bone ba tlaa bo ba eme sentle ka ditilo tsa dikgole bomme bone ba apere ditukwi tsa letalo. arts_culture_entertainment_and_media 0 Balemi ba ditapole ba itela mo pusong Balemi ba ditapole mo kgaolong ya Tswapong ba ngongorega ka fa puso e sa ba tseyeng tsia ka teng, le ntswa le bone fela jaaka balemi ba bangwe ba tsentse letsogo mo itsholelong ya lefatshe leno mo go ntsheng dijo. Se se builwe ke molemi wa ditapole wa polase ya African Ranches, Rre Johannes Shoeman yo o boletseng fa monongwaga ba nnile le tatlhegelo e kgolo ka gonne segagane se tshubile ditlhare tsa dinamune le ditapole mo dipolaseng tsa bone. A re le fa go ntse jalo, puso ga e ke e kgathala ka mathata a bone, ntswa fa seo se ka tlhagoga kwa Pandamatenga puso e tsiboga, a supa fa le bone ba tlhoka go sekegelwa tsebe ba thusiwa. Rre Shoeman a re fela jaaka boradipolase ba kgonne go tlhamela Batswana ba feta 150 ditiro, go supa fa temo ya ditapole, dinamune le dikwii e tlhoka go dirwa go tlhoafetswe ka jalo e tlhoka batho ba le bantsi gore e kgonege. O tsweletse a re o rata lefatshe leno ka le na le thitibalo mme a tlhalosa fa itsholelo ya lone e ikaegile ka Batswana go reka ditswa temong tsa mono gae gonne kwa phelelong bone ele balemi ba tlhama ditiro le one madi a theko ba a tsenya mo dibankeng tsa mono gae. Rre Shoeman a re sebe sa phiri ke gore balemi ba dipolase ga ba fiwe sebaka sa go buisana le tona wa temo thuo ka mathata a ba kopanang le one, se ba se bolelelwang ke badirela puso ke gore ga go kgonege go ka mmona ntswa puso e letlelela bagwebi go kopana le tona fa ba na le dingongorego ka boradipolase. O supile fa sebaka se go tswalwang melolwane ka sone sele se khutshwane ka go kgonwa go bulwa dijalo tsa bone di santse di le mo masimong mme Batswana ba di tlogele ba ye go reka kwa Aferika Borwa, a supa fa seo se ba kgoba marapo ka ba kgona go nna le tatlhegelo e e seng kana ka sepe. O boletse fa gole gantsi ditswa temong tsa bone, segolo jang ditapole le dinamune di rekwa ke boramabenkele a matona a Spar le Choppies mme gape ba kgona go rekisetsa bagwebi ba ba botlana. Rre Shoeman a re fa a simolola o ne a neela bagwebi bangwe ditswa temong ka sekoloto, ka tsholofelo ya gore ba tlaa duela, a supa fa a kolotiwa madi a a ka fetang P1 million a le mo nakong eno a palang go duelwa. O tlhalositse gape fa ditsela tsa dipolase di le mo seemong se se maswe fela thata go nne di tsaya lebaka di sa gopiwe, a tlatsa ka gore dikoloi tsa bone tse ditona di nna di senyegile ka ntlha ya ditsela tseo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Go tshuba dibeela go botlhokwa Go ikgatholosa ngwao ya go tshuba dibeela go baakanyetsa pula ka paka ya temo go na le seabe mo go tlhokeng pula mo lefatsheng. Mafoko a, a boletswe ke Mme Idah Lecha wa Tati Siding mo potsolotsong le Mme Lecha yo o dingwaga di masome a marataro le bone o tlhalositse gore bogologolo e ne e re ka dinako tsa dipula, kgosi a bolotse letsholo gore morafe o tsamae le naga go tshuba dibeela. O tlhalositse gore dibeela ke sepe fela se se mo nageng se se ka kganelang pula go na, jaaka dikgoropa tsa leruo le le suleng, kana sepe fela se go dumelwang se ka kganela pula. A re morago ga go kgobokanngwa di ne di tshubiwa e le tsela ya go baakanyetsa letsema. O tlhalosa gore mo letsatsing la go tshuba dibeela le le neng le tlhongwa ke kgosi, morafe o ne o tsaya karolo go sena ope yo o salelang kwa morago. Mme Lecha a re fa go sale go latlhaganngwa thulaganyo e ya ngwao dipula di ngotlegile, mme se sa tsisa leshekere mo setshabeng. O kaile fa go le botlhokwa go tsosolosa ngwao e ya go tshuba dibeela gore dipula tsa medupe di ne mme balemi le Batswana ka kakaretso ba obe letsogo. Ntle le jalo, Mme Lecha a re leshekere le le tsweletseng ka go anama le lefatshe le, le tlaa phimola lesika loo motho. environment 5 Puso e namola barui leuba Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo ya magae, Rre Olebile Gaborone, a re go supegile fa ngwaga ono e le wa leuba, mme go supega fa seemo se tlaa kokonela barui, a tlhalosa fa P22 million le go feta, a seegetswe fa thoko go itebaganya le leuba. Mothusa tona a re, go tsibogela seemo se, khuduthamaga ya matona e ne ya thulanya ditlhogo ka kgang eo go bona gore barui ba ka namolwa leuba jang. Rre Gaborone o buile jalo fa a tshwere phuthego ya kgotla kwa motseng wa Gathwane kwa kgaolong ya borwa bosheng. Mothusa tona o tlhalositse fa puso e dule ka moono wa gore go dirwe phokoletso ya ditlhwatlhwa tsa dijo tsa loruo ka 25 per cent, go kgontsha barui go jesa loruo lwa bone, a gatelela ka gore go bonwe gore dikgaolo tsa Ngamiland le Bobirwa di maswe thata mme tsone di tlaa direlwa phokoletso ya 35 per cent. Rre Gaborone o tlhalositse fa phokoletso ditlhwatlhwa e simologile kgwedi ya Phukwi e rogwa monongwaga mme e tlaa tswelela go fitlhelela ka kgwedi ya Seetebosigo ngwaga o o tlang. A re phokoletso ditlhwatlhwa e tlaa ama letswai, dithokolo, moroko, mokento wa mokokomalo le tse dingwe, a kgothatsa Batswana go tswelela ka dithapelo tsa pula gore ba tswe mo leubeng ka jaana go le botlhoko go bona kgomo e phuphama mme e le yone botshelo jwa Motswana. Mothusa tona, a re e ntse e le maiteko a puso go lwantsha leuba, go tlaa rulaganngwa gore kwa dikoleng tse dipotlana, bana ba fiwe dijo gabedi ka letsatsi, go lebilwe gore bana ba bangwe ba kgona go phakela ba ya sekoleng ba sa tsenya sepe ka legano, a tlhalosa fa dikole tseo di tshwaetswe madi a a fetang P124million go thusa go oketsa dijo. A re puso ya lefatshe leno e tsaya thuto e le botlhokwa thata, mme a kgothatsa ba lekgotla la batsadi le barutabana go dirisana gore ba ntshe maduo a mantle, a re go ditlhong go bona batsadi bangwe ba rwesa barutabana mokgweleo ba le nosi, ka thuto ya bana ba bone. Rre Gaborone o tlhalositse fa madi a Ipelegeng le one a okeditswe ka P15million gore go kgonwe go thapa babereki ba bantsi ba lenaneo leo. Baagi ba ne ba lebogela phokoletso ya ditlhwatlhwa tsa loruo, ba re seo ke maiteko a mantle a puso, mme fela ba bolela fa ba nyoretswe go bona Tautona mo motseng wa bone. politics 7 TB e tlhoka seabe sa botlhe Lekalana la National TB Programme mo Gaborone le ne le tshwere dikgaisanyo tsa metshameko ya bodiragatsi bosheng. Maikaelelo e ne e le go lemotsha setshaba botlhokwa jwa go nna le seabe mo go gaseng molaetsa ka bolwetse jwa kgotlholo e tona (TB). Mogolwane wa botsogo, Rre Setshwano Mokgweetsinyana o boletse fa maikarabelo a molwetse mongwe le mongwe wa kgotlholo e tona e le go netefatsa gore o tsaya kalafi go ya ka fa a laetsweng ka teng ke ba bongaka. A re molwetse o tshwanetse go tsena mo kalafing ya dikgwedi tse thataro kgotsa kgwedi tse di lesome le borobabobedi kana go feta fa e le kgotlholo ee dingalo.Rre Mokgweetsinyana o rotloeditse setshaba go supa tshwaragano, boitshoko le lorato mo go lwantsheng TB, a re se se tshwanetse go bonala mo matshelong a letsatsi le letsatsi. Maikaelelo a dikgaisano tse, ke go ruta setshaba ka bolwetse jwa kgotlholo e tona le mogare wa HIV ga mmogo le dikgang tse di amang TB le HIV, go lemotsha setshaba botlhokwa jwa go itlhatlhobela TB, le gone go rotloetsa setshaba go dirisanya le ba botsogo go lwantsha TB. Dikgaisanyo tse di tshwarwa ngwaga le ngwaga, mme monongwaga di ne di tsenwe ke dikokelwana tse di robang bobedi le dikomiti tsa ditlhabololo tsa dikgaolwana tse di farologanyeng tsa Gaborone. Maemo a ntlha a ikgapetswe ke Broadhurst Traditional Area, BTA Clinic ba ba ikgapetseng kopi le dibeke; a bobedi a tserwe ke Gabane Clinic ba ba ikgapetseng dikhukhu, fa a boraro a ile kwa go ba Sebele Clinic mme ba ikgapetse dibeke. health 6 Phutho matimela e tsweletse Mogolwane mo ofising ya matimela mo kgaolong -potlana ya Letlhakeng Rre Lerang Phala o boletse fa ofisi ya bone e tsweletse ka go phutha matimela mo kgaolong. E rile a bua mo potsolotsong le lekalana la bobega dikgang la BOPA a tlhalosa fa phutho e tsweletse e bile ba rotloetsa barui go tsamaela kwa masakeng a matimela go ya go bona leruo. Rre Phala o tsweletse ka go kopa barui botlhe ba ba nang le leruo le ba sa le itseng go begela ba ofisi ya gagwe kgotsa ba bogosi gore le tle le kgone go batlisiwa beng ba lone go na le go didimala fela. O tlhalositse fa phutho e tsaya malatsi a le lesome le bone. O tsweletse ka go supa fa ditlhwatlhwa tsa go golola leruo di ise di fetoge, mme kgomo e le nngwe e gololwa ka P2.50 fa dihutshane,dipitse gammogo le dikolobe di gololwa ka P1.50 go ya ka temana ya bosupa ya molao wa matimela. O supile fa dikgwetlho tse ba kopanaqng le tsone e le go senyega ga dikoloi mo go felelang go baka tiego mo go phutheng matimela, mme a tswelela ka go supa fa ba dirisa teraka e le nngwe mo e reng fa e senyegile go bake tiego. economy_business_and_finance 3 Beng ba diterekere ba rotloediwa go tsaya temo ka tlhwaafalo Rabalemisi wa kgaolo ya Palapye Rre Alexander Letebele ga a itumelele tiro ya beng ba diterekere. Fa a bua mo phuthegong ya beng ba diterekere bosheng, Rre Letebele a re ofisi ya gagwe e setse e amogetse dingongorego tse dintsi tsa balemi ba ngongoregela gore beng ba diterekere ba lemolola masimo a bone ba bo ba a tlogela lebaka le le leele ba sa tle go jwala. A re o lemogile fa beng ba diterekere bangwe ba lemolotse masimo a mantsi ka jalo ba na le kgwetlho ya go jwala masimo a ba a lemolotseng otlhe.A re balemi ba felela ba iphotlhere fela nako ya temo e ba sia ba santse ba emetse raterekere go tla go feleletsa tiro ya gagwe.A re beng ba diterekere ba itekanye morwalo gore ba bangwe ba kgone go lemela ba bangwe. Rre Letebele o kgalemile thata ka selo se, a re ba lemele balemi sentle a tlhalosa fa puso e tla seke e duele raterekere yoo sa lemeleng balemi sentle. A re e le ba ofisi ya temo-thuo ba ile ba tshwara dithuto puisano ba ruta beng ba diterekere go dirisa diplantere mme mo nakong e ba swabisiwa ke gore beng ba diterekere bangwe ga ba lemele balemi sentle mo peo e felelang e gasame mo tshimong. Fa ba tswa la bone beng ba diterekere ba tlhalositse fa ele boammaaruri bangwe ka bone tlogela masimo ba lemolotse masimo a mantsi mme go nne bokete go jwala masimo ao otlhe. Bangwe ba bone ba re ba setse ba thusa go jwala masimo a saleng a lemolotswe a bo a tlogelwa. Rre Ritchie Kenosi ene a re temo ya ditselana e santse ele ncha mo kgaolong ya Palapye mme beng ba di terekere le balemi ba santse ba ithuta, mme a kopa balemisi gore ba seka ba ba gagamaletsa setoropo. A re fa ba dirileng diphoso teng ba tla baakanya. A re fa pula e ne le beng ba diterekere ba tsaya beke tse pedi mo masimong ba lemolola fela ka mmu wa bo ole bokgola mme ba tseye beke tse pedi tse di latelang go thuba makwete.A re se se dira gore ba felele ba tsaya nako e telele go jwala. A re tiego gape e bakiwa ke balemi ba ba tlang ka dipeo tse di tlhaelang mme se se dire gore goboelelwe tshimo eo gabedi a feleletsa go lema.Mme Gorata Mugoma ene o tlhalositse fa balemi ba santse ba tlhoka kitso e ntsi ka temo ya ditselana ka a lemogile fa ba sa e tlhaloganye. A re balemi ba solofela gore go lemololwe go bo go jalwa gone foo.O ngongoregile that aka masimo a mangwe a re a disana ebile a mantswe a a bakang tshenyo ya terekere.A re balemi ga ba nne ko masimo mme ba tla fela go setse go jalwa. Beng ba diterekere ba ngongoregile ka balemi gore ga ba tlhokomele masimo fa go sena go jalwa ka jalo peo e felela e jewa ke masogo ba bo ba ngongorega gore ga ba a jwalelwa sentle. Ba ne ba dumelana gore fa go kwadisiwa diterekere, go supiwe didirisiwa tsa temo ba tlhalosa fa dingwe didirisiwa di sa siama, fa bangwe ba sena tsone botlhelele.Ba dumelane gape gore ba seka ba lema kana ba jwala tshimo mong wa yone a seyo. society 9 Mahalapye o ikgantsha ka Merafhe Makgolokgolo a batho a ne a thologetse kwa kgotleng kgolo ya Mahalapye ka Laboraro (Hirikgong 14) go gopola mopalamente wa pele wa Mahalapye Bophirima, Lt Gen. Mompati Sebogodi Merafhe. Serepa sa ga Lt Gen. Merafhe, yo gape a kileng a nna mothusa tautona le tona wa meraro ya mafatshe a sele, se gorogile kwa kgotleng ya Mahalapye ka nako nako ya bosupa mo mosong se patilwe ke ba lelwapa la gagwe le mokwaledi wa ga tautona Brigadier George Tlhwalerwa. E rile Kgosi Tsoebebe Segotsi a amogela baeng, a galaletsa ba lelwapa la ga Lt Gen. Merafhe le tautona wa lefatshe leno gammogo le mmuso wa gagwe go letelela serepa sa ga Rre Merafhe go tsena ka motse wa Mahalapye gore batho ba kgone go mo laela ka e nnile mopalamente wa bone dingwaga dile masome a mabedi le boraro. A re kantlha ya boikarabelo, bonatla le bokgoni jwa ga Gen. Merafhe, Mahalapye o kgonne go nna le ditlhabololo tse di akaretsang phatlalatso ya metsi mo motsing, kgokelo ya motlakase mo ditseleng tsa mekgwatlha le paakanyo ya ditsela. Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae e bile ele mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso o boletse fa General e ne ele motho yo kutlwelo-botlhoko e bile a le lerato mo go direleng lefatshe la gagwe. Mme Tshireletso a re ka ntlha ya ga Lt Gen. Merafhe, Mahalapye o kgonne go nna le ditlhabololo jaaka sepatela sa bobedi, kampa ya bobedi ya mapodisi le sekole sa diphalana se se neng se tlhokomelela bana ba batsadi ba bone ba neng ba imile bale mo dithutong. Mothusa kgosi ya Mahalapye, Kgosi Tshipe Tshire o tlhalositse fa Gen. Merafhe a tshwanelwa ke go akgolwa ka jaana a diretse batho ba Mahalapye ditlhabololo dile mmalwa di akaretsa sekole sa badiri ba dikgolegelo, kago ya leobo la kgotla, kago ya sekole sa ithutelo ditiro tsa diatla se se tlwaelesegileng ka leina la CITF le go tsosolosa sekole sa Madiba Brigade se mmuso o neng o ikaelela go se tswala kantlha ya go phutlhama ga sone. Bangwe ba dibui mo tirelong eo ya segopotso sa ga Lt Gen. Merafhe e ne ele Rre Tsholofelo Segaise, Rre Jinamo Morupisi le Rre Odirile Merafhe yo a neng a akgolela banni ba Mahalapye tirisano mmogo e lolameng fa gare ga bone le motsadi wa bone ka nako ya e le mopalamente wa kgaolo ya bone go tsweng ka 1989. society 9 Mapodisi a tshwere banna ba le babedi Banna ba le babedi ba thusa mapodisi ka ditlhotlhomiso morago ga go fitlhelwa ka nama e go belaelwang e le ya phologolo ya naga. Mookamela mapodise a sepodise sa Orapa, Superintendent Kabo Badirwang, a re e ne ya re kgwedi ya Motsheganong e ferabongwe ba tshwara banna ba le babedi ka nama e go belaelwang e le ya Phuduhudu, a tlatsa ka go supa fa ditlhotlhomiso di tsweletse go rurifatsa gore nama eo ke ya phologolo efe. Rre Badirwang o boletse fa borre bao ka bobedi, ba dingwaga tse di masome a matlhano le bongwe (51) ele badiri ba lephata la matlhoko a leruo mo Letlhakane. Mogolwane wa sepodise o ne a tlhalosa fa ditlhotlhomiso tse di tsweletseng di supa fa phologolo eo e bolaetswe kwa lefelong le le bidiwang Chai, fa gare ga motse wa Mopipi le Orapa. A re borre bao ba ne ba dirisa tsela e ralalang toropo ya diteemane ya Orapa mme ba tshwarwa mo sekganeding sa tsela morago gago phuruphutswa. O ne gape a tlhalosa fa nama e borre bao ba tshwerweng ka yone ene e phuthetswe mo kgetsing. Rre Badirwang o supile fa bogodu jwa diphologolo tsa naga bo oketsega mo kgaolong ya sepodisi ya Orapa e bile bo diragala thata ka paka ya mariga. Mookamela mapodise, Rre Badirwang, o ne a gakolola ba ba abetsweng ditlhobolo go di dirisa ka fa tshwanelong, e seng go dira ditiro tsa borukutlhi, a tlatsa ka gore bangwe ba kopa ditlhobolo ka mabaka a gore ba batla go sireletsa leruo le dithoto mme morago ba di dirise ka tsela e fapogileng. O ne a supa fa a tshwenngwa thata ke batho ba ba ikemiseditseng go fetsa diphologolo tsa naga, a tlatsa ka gore bojanala ke sengwe sa dilo tse di kopanetsweng ke botlhe, ka setshaba se nale dipoelo mo go sone. Rre Badirwang o tlhalositse gore fa borre bao ba ka bonwa molato wa go tsoma ba sena teseletso mongwe le mongwe wa bone o ka lefisiwa madi a kana ka P2 000 kana kgolegelo ya ngwaga tse pedi. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Jwaneng o ipaakanyetsa boipuso Mothusa molaodi wa toropo ya Jwaneng, Rre Thusang Nyoni o kopile banni ba toropo eo go bereka ka natla go tsosolosa serodumo sa letsatsi la boipuso. E rile a buisa phuthego ya matlhagola tsela ya moletlo oo, Rre Nyoni a re, e re ka jaana lefatshe leno le tlaa bo le digela dingwaga di le masome a matlhano le ipusa ka 2016, moono ke gore go simololelwe ruri go baakanyetsa moletlo o motona oo. A re moletlo wa boipuso ke wa morafe ka kakaretso, ka jalo tshwanelo ke gore o etelelwe pele ke komiti e e okametseng dikomiti tsa ditlhabololo tsa toropo, fa badirelapuso le boeteledipele bone ba a fa dikgakololo fa go tlhokegang teng. O boile gape a kopa gore batho botlhe ba ba tshotsweng ka 1966 ba ipope ba tswe ka megopolo e e ka natefisang moletlo oo. A re monongwaga moletlo wa letsatsi la boipuso kwa Jwaneng o tlaa tshwarelwa kwa kgotleng ya Raphalane, mme jaaka e le tlwaelo puso e thusitse ka P44 000, mo godimo ga moo go na le P56 906 o o tswang kwa komiting e kgolo e e baakanyetsang boipuso jwa dingwaga tse di masome matlhano. Le fa go ntse jalo, Rre Nyoni o kopile maloko a dikomiti tsa ditlhabololo go etelela pele go kopa dithuso mo dikomponeng ka go farologana ka jaana lemme le le leng teng le ka seke la lekana. Mokwaledi wa khansele ya Jwaneng, Rre Dick Kalantle ene o supile fa e rile mo ngwageng o o fetileng ga tsewa tshwetso ya gore dikgosi le makhanselara a toropo eo ba nne teng mo phuthegong ya matlhagolatsela ya letsatsi la boipuso gonne ba ka thusa ka megopolo gammogo le go tsaya karolo mo dipaakanyetsong tsa letsatsi leo. O tsweletse a tlhalosa fa moepo wa Jwaneng o na le seabe se segolo mo ditlhabololong tsa toropo eo, ka jalo go le botlhokwa gore baemedi ba one ba bilediwe diphuthego tsa meletlo e tshwana le ya boipuso ka ba tlaa thusa ka megopolo le gone go nna le seabe mo go e diragatseng. O kopile morafe wa Jwaneng go dira ka mashetla gore letsatsi le le oke batho ba le bantsi le gone go tsosolosa mowa wa boipuso go tsamaela kwa ngwageng wa 2016. O ba gwetlhile go tswa ka megopolo e e kgatlhisang e bile e tlosa bodutu. E rile a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti e e okametseng ditlhabololo tsa Jwaneng, Rre Justice Motaung a lebogela go bo ba filwe boikarabelo jwa go etelela dipaakanyo tsa boipuso pele. Le fa go ntse jalo, o supile fa gantsi ba na le dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya dikoloi mo go ba kgoreletsang go dira tiro ya bone ka thelelo. O kopile badirela puso go tsenya letsogo gore dikgang tsa didirisiwa e seka ya nna sekgoreletsi se setona monongwaga.BOKHUTLO society 9 Barui ba tlhorontshiwa ke mangau Barui ba moraka wa Poje gaufi le Khudumelapye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, ba lela sa khuranyo ya meno ka mangau a a ba jelang dihutshane. Mongwe wa barui ba moraka oo, Rre Maduo Kelailwe yo mo bosheng mangau a mo jetseng dipodi di le lesome le borataro, o boletse mo potsolotsong gore mangau a simolotse go tlhasela diruiwa kgwedi e e fetileng. O supile fa ba setse ba itshwaragantse leba lephata la diphologolo le makgabisa naga mme a re ba sa ntse ba emetse dikatso ka ba sale ba supa diruiwa tseo. O tsweletse a supa gore batlhokomedi ba diphologolo tsa naga ba ba kopile gore ba se ka ba bolaya dibatana tseo mme ba di tshose fela. Rre Kelailwe ke mongwe wa barui ba banana ba ba ikemetseng ka dinao ka e bile a na gape le dikgomo tse a di filweng ka lenaneo la banana. O supile gore fa seemo se sa tokafale, o tlaa fudugela kwa merakeng e mengwe. Bokhutlo society 9 Mokhanselara Matseke o tlhokafetse Mapodisi a Mahalapye a tlhotlhomisa kotsi e mo go yone mokhanselara wa phathi ya Domkrag wa kgaolwaneng ya Xhosa 1 kwa Mahalapye, Rre Gotlaaya Matseke a tlhokafetseng fa koloi e a neng a tsamaya ka yone e sena go pitikologa mo tseleng ya A1 ka Labobedi. Mogolwane wa mapodisi a pharakano, Assistant Superintendent Selogilwe Sefawe, o boletse mo potsolotsong gore kotsi eo, e diragetse ka nako ya bosupa mo maitseboeng kwa merakeng ya Lose fa Rre Matseke a ne a tswa phuthegong ya khansele kwa Serowe. A re le fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse, mapodisi a belaela fa kotsi eo e katswa e bakilwe ke go latlhegelwa ke taolo ga mokgweetsi ka jaana koloi eo e pitikologile makgetho a le mararo ntswa e sa thula sepe. Rre Matseke, yo o latlhegetsweng ke ditlhopho tsa peo letlhokwa ngogola, o tlogela mosadi le bana ba basimane ba le bane. Ka nako ya kgang e e kwalwa, serepa se ne se santse sele kwa kokelong ya Mahalapye go tlhatlhojwa ke dingaka fa tsa phitlho di ise di rulaganngwe. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Ba Lecheng ba ipelelaLetsatsi la balemi E rile bosheng motse wa Lecheng wa tshwara tiro ya letsatsi la balemi kwa masimong a Mmoo. E rile a amogela morafe, Kgosi ya Lecheng, Kgosi Prince Obuseng, a tlhalosa fa balemi ba ipopa go dira komiti ya tsa temo thuo mo kgaolong potlana ya Palapye. Kgosi Oletile Modisa o e leng kgosi ya Serule le ene e ne o ile a latlhela la gagwe ka go leboga modimo gore a bo a nesitse dipula ka gore di thusitse balemi go lema. O tlhalositse fa temo ya balemi ba ba botlana e na le dikgwetlho tse dintsi fela thata, a re balemi ba ba botlana ga bana didirisiwa ka jalo ba dirisa metlhale e saletseng kwa morago ya temo jaaka go gasa. O kgotlhaditse banana gore ba seka ba itlhoboga ba re ga bana madi, a re ba tswelele fela ba leka fa ba lekang teng go tsena mo temong. “Mothusa tautona o tlhalositse fa temo thuo e ka tsholetsa itsholelo ya lefatshe la rona. Temo thuo e ka tsholetsega fela fa balemi ba ka dirisa mananeo a ba a filweng ke puso,” ga tlhalosa jalo Kgosi Modisa. Kgosi Modisa o ne a tlhalosa fa go lema ka ditselana go santse go saletse kwa morago fela that aka jalo a rotloetsa balemi go lema ka ditselana le go dirisa dipeo tse di tlhabolotsweng, go dirisa menontshane le dilo tse di bolayang diji. Kgosi o ne a rotloetsa balemi go ithuta go bala le go kwala ka malatsi a go saeniwa ka pena e seng ga bogologolo mo go bewang monwana. Are go itse go bala le go kwala go ka thusa gore motho a tlhaloganye pele a diragatsa se a se badileng mo dibukeng tsa temo thuo. Fa a wetsa, Kgosi Modisa o ne a rotloetsa balemi go tlhabolola masimo a bone ka go tlhagola mohero gore o seka wa tseela dijalo tse di lemilweng dikotla, a rotloetsa gape gore ba inaakanye le mananeo a puso a ISPAAD le LIMID. Balemi ba ne ba tsaya loeto mo masimong ka go farologana go tsaya malebela mo temong ya ba bangwe. Loeto lo ne lwa simolola mo malwapeng a batho ba ba ithusang ka lenaneo la nyeletso lehuma. Mme Moroba Methi , e le mongwe wa ba lenaneo la nyeletso lehuma, ene o ne a tlhalosa fa a dirile tshingwana ya morogo mo lapeng a lemile morogo wa rape, spinach, ditamati le dianyense. Are lenaneo le le mo thusitse fela thata ka jaana a itshetsa ka go rekisa merogo ya gagwe a bo a kgona go dira tsele le tsele mo lwapeng ka dipoelo tsa teng. Rre Thapelo Mapotu, e ne ke wa tshimo e tona, o thalositse fa a lemile tshimo ya gagwe ka tshukudu ya temo (tractor). Mme o tlhalositse fa pele a lema o tlhatlhobile mmu wa tshimo ya gagwe pele gore a o tlhaelelwa ke dikotla , mme a fitlhela o siame ke gone a bo a itse go lema. O lemile ka ditselana jaaka ba rotloediwa, a bo a tlhalosa fa a ile a tshela monontshane morago ga temo . Rre Mapotu o tlhalositse fa a itumeletse dipula tse di neleng ka gore tshimo ya gagwe e tshutshuma ka dijalo. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Tona o kopa banni go somarela lefatshe Tona wa ditsha le matlo, Rre Prince Maele, o kopile banni ba Letlhakane mo kgaolong-potlana ya Boteti go somarela lefatshe gore le tle le dirisiwe ke dikokomane tsa bone. Tona o buile jalo fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng. A re thekiso ya lefatshe e kwa godimo kwa Letlhakane, le ntswa lefatshe le tlhaela e bile gape le sa ntsifale. Rre Maele a re kgang e, e a tshwenya ka gore tsone ditsha di rekisediwa batswakwa ka madi a a kwa tlase a re ka fa motse wa Letlhakane o golang ka teng e tlaa re mo dingwageng tse some tse di tlang ditsha di tlaa bo di rekwa madi a mantsi. O ne gape a re o itse gore matshwenyego a setshaba ke tiego ya peo e e bakwang ke tlhaelo ya lefatshe le go diega ga go tsenya ditlamelo kwa batho ba beilweng ditsha teng. A re keletso ke gore ba tsenye ditlamelo pele ba aba ditsha mathata ke gore go turu. O tsweletse a re kgang ya lefatshe e bokete ka jalo a re e tlhoka therisano. Rre Maele o supile fa motse wa Letlhakane o tletse ka bo maipaafela . O tlhalositse gore ba ya go tsaya ditsha tsotlhe tse di sa tlhabololwang. Tona o ne a ba kgothatsa go tlhokomela ditlankana tsa bone tsa ditsha a re bogodu jwa ditsha bo ile magoletsa a re ba kgona go dira moriti wa setsha mme ba se rekisetse batho ba le bantsi sone se le sengwe. O boletse gape gore ba ya go phatlalatsa mola wa baikopedi ba ditsha gore ba kgone go bona gore ba tsamaya fa kae mo moleng. Rre Maele o ne a ba lekodisa ka molao wa lefatshe o o fetisitsweng kwa palamenteng ,o o tlhalosang gore motho a nne le ditsha di le kae. A re molao o o letlelela ba kabo ditsha go gana go fetisa setsha, e bile go ya go rekisetswa Batswana fela. Fa go padile ke gone se ka bapadiwang mo dipampiring gore se rekwe ke mongwe le mongwe. Mongwe wa banni, Rre Odirile Tawana o ne a supa gore tshenyetso setshaba e ntsi mo lekgotleng la kabo ditsha a re ba ba e dirang ba tseelwe dikgato. O tsweletse a re batswakwa ba seka ba letlelelwa go reka ditsha. Rre Meshack Thanke ene a re banni ba Letlhakane ga ba na masimo le mahudiso a tserwe,a re o kopa gore ba fiwe dipolase. O ne gape a re o kopa gore kabo ditsha ya Boteti e ikemele. A re o ne a kopile setsha sa guest house ba bo ba baya yo mongwe gape jaanong se eme jalo ga a itse gore o tlaa thusiwa jang. Modulasitilo wa kabo ditsha wa Ngwato Rre David Modisagape a re ga gona sepe sa kgaolo ya Boteti se se dirwang kwa Serowe, fa e se go na le kgang e e tlhokang gore ba e tshereganye ga mmogo le phatlalatso ya dipolase. Rre Modisaotsile a re bone ga ba tsenelele kabo ya ditsha tsa dipolase ba e neela batho ba sele gore ke bone ba e dire . Modulasitilo wa kabo ditsha potlana ya Letlhakane Rre Goratwamang Gosalamang o ne a re bo maipafela ba bangwe ba setse ba ba beile gone kwa ba neng ba ipeile teng. O ne gape a re ba neetse khansele bontlha bongwe jwa ditsha gore ba neele banana. O bile a re kgang ya batho ba kgotla ya metsiaela ya masimo ba santse ba e tshwere. E rile a ba kgwa dikgaba tona a supa fa mafoko a bone a atamela semorafe ,a ba kopa go ela tlhoko dipuo tsa bone a re ba ka itshenyeletsa ka go dira jalo. O ne a re nako ya go baya setsha e ba ipeetseng ke dikgwedi tse tharo,a re mathata ke gore fa gonwe go a bo go sena ditsha. Tona o ba solofeditse gore dikgang tse dingwe tsa bone o tlaa ya go di sekaseka tsa maphata a mangwe o tla ya go di neela ba ba lebaneng. BOKHUTLO politics 7 Basekisiwa ba gana go letela tsheko kwa ntle Makawana mangwe a mabedi a dingwaga tse di masome a mabedi ba ba tlholegang kwa Thankane mo kgaolong ya borwa ba boleletse mmakaseterata wa Jwaneng, Mme Segametsi Basinyi, gore ga ba batle go letela tsheko kwa ntle ga kgolegelo. Go ya ka dipampiri tsa lekgotla,Thatayaone Matshwane le Willy Jackson Koto ba e leng baithuti kwa Borolong Vocational Training Centre ba sekisediwa molato wa polao ya ga Pini Lonyatso le go itaya ba bo ba gobatsa Kenneth Gakebatshabe, kwa Thankane kgwedi ya Firikgong ele malatsi a ma tlhano monongwaga. Ba bosekisi ba eteletswe pele ke Sub-Inspector Edwin Supang ba ne ba kopa lekgotla gore basekisiwa ba letele tsheko kwa ntle ka jaana ditlhotlhomiso tsa bone di tsamaela go wela. O ne a kopa gore basekisiwa ba itlame ka P3 000 mongwe le mongwe wa bone ga mmogo le go tla le basupi ba le babedi ba ba ka itlamang ka P1000 mongwe le mongwe wa bone.O ne a tswelela ka go ba kopela gore ba iponatse fa pele ga lekgotla nako tsotlhe fa ba kopiwa go dira jalo le gore ba seka ba dira molato ope fa ba santse ba letetse tsheko. Mosekisiwa wa ntlha ebong Matshwane one a bolelela lekgotla gore ga a batle go letela tsheko kwa ntle ka gore go ka mo diela nako. O ne a tlhalosa gore go tshwana fela ka jaana e tlaa are a santse a tsweletse le dithuto tsa gagwe go bo go tswa taolo e nngwe gape ya gore ba name ba tshegeditswe kwa kgolegelong mme seo a supa fa se ka kgoreletsa dithuto tsa bone. Mosekisiwa wa bobedi, Koto ene one a tlhalosetsa lekgotla gore ba dirile kopo ya go letela tsheko kwa ntle kwa kgotleng kgolo ya ditsheko mme ba santse ba emetse phetolo go tswa koo,ka jalo ga ba dumalane le kopo ya ba bosekisi ya gore ba letele tsheko kwa ntle. A re ba tsentse kopo eo ka mmueledi wa bone yo ba mo ituelelang.Ba bosekisi ba ne ba tlhalosa gape gore mo legatong le le fitileng motlhotlhomisi wa kgang o ne a rile ditlhotlhomiso di santse di le kwa morago mme jaanong ba kgonne go kokoanya bosupi jo ba dumelang gore ba a bo tlhoka go baakanyetsa tsheko. Lekgotla le ne la tsaya tshwetso ya gore basekisiwa ba tshegediwe mo kgolegelong go letela motlhotlhomisi wa kgang kgwedi ya Mopitlo ele malatsi a ma tlhano go tla go tlhalosetsa lekgotla gore, basekisiwa ba sireletsegile go le kae go letelela tsheko kwa ntle segolo jang kwa motseng wa bone wa Thankane. crime_law_and_justice 1 Banana ba Machaneng ba kopiwa go iphapa Banana ba Machaneng kwa kgaolong ya Tswapong ba gwetlhilwe go iphapaanya le mekgwa e e maswe ka e ka ba senyetsa botshelo. Mosimolodisi wa setlhopha sa mmino wa Setswana sa Tau tsa Lecha, Mme Bojosi Ramaabye o boletse fa setlhopha sa gagwe se itebagantse thata le banana ba ba ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le bosupa le masome a mabedi le bone mme e bile ba sa kgona go dira sentle mo dithutong tsa bone. O supile gore le ntswa setlhopha sa gagwe e se sone fela se dirang maiteko a mo motseng oo, bontsi ja banana ba santse ba ikganeletse thata mo go nweng majalwa a masesanyane a a dirwang mo motseng gammogo le go inaakanya le ditiro tse dingwe tsa borukhutlhi. Mme Ramaabye a re go tlhoka go dira sentle mo dithutong kgotsa go tlhoka mebereko ga bontsi ja banana, ga se phelelo ya botshelo ka go na le ditsela tse dintsi tse di ka fa molaong tse motho a ka inaakanyang le tsone go itshetsa. O boletse gore mo nakong eno setlhopha sa gagwe se setse se amogela banana ba ba tswang kwa metseng e mengwe jaaka ya Lecheng, Makwate le Mathako mme a re o eletsa gore fa baeng bao ba tla go ba tlatsa ba bo ba fitlhela benggae ba tshwere setlhopha ka mashetla. Mme Ramaabye o supile fa banana ba tshwanetse go emisa go itsalanya le nnotagi le borukhutlhi gonne boitshwaro jo, ga bona maduo a mantle. A re kgolegelo, go ima ga basetsana e se ka maikaelelo gammogo le go tsenwa ke malwetse ke dingwe tsa ditlamorago tsa boitshwaro jo bo sa eletsegeng. O tsweletse a re banana ba tshwanetse go itshwara sentle gore ba nne le seabe mo go direleng lefatshe leno tse dintle e seng gore ba lebe fela gore lefatshe le ba direle. Mme Ramaabye a re ntle le mmino wa Setswana, mo setlhopheng sa Tau tsa Lecha o fa banana dikgakololo ka boitshwaro. O kaile fa setlhopha se, se itsege thata mo kgaolong ya bone ka se tshela se tsenelela dikgaisano tsa ga tautona. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Lephata le alosa baroki Lephata la boipelego la khansele ya Bokone Botlhaba le alositse bomme ba le masome mabedi le bosupa morago ga go wetsa dithuto tsa go roka kwa Nlapkhwane, e le ka fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma. Bomme ba, ba tswa mo metseng e e farologaneng ya Bokone Botlhaba, e akaretsa Kgari, Ditladi, Makaleng, Nlapkhwane le e mengwe. Baroki ba, ba inaakantse le go roka mesese ya bomme ya ngwao, paka ya sekole, dikobo, dibeke tsa leteisi le tse dingwe. Moemedi wa ba boipelego mo kgaolong, Mme Rosinah Maoba, a re baithuti ba amule go le gontsi mo ithutuntshong e ba ntseng ba le mo go yone ya dibeke tse thataro. A re ba rutilwe go roka ba dirisa metshine e e dirisang motlakase ga mmogo le go roka dilwana tse di nang le boleng gore di kgone go ngoka bareki. O ne a ba kgothatsa go tswelela ba bereka ka natla fela jaaka ba ntse ba dira mo ithutuntshong ya bone, le go ipapatsa gore ba kgone go itshetsa. E rile a tswa la gagwe Kgosi Mukani Mudongo wa Nlapkhwane a gwetlha bomme ba gore ba batle dikitso mo go ba ba kileng ba thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma go tsaya maele. “Dipampiri tsa dikgang di botlhokwa, Ka jalo le di baleng le tsee maele mo go ba ba gatileng fa le gatang teng gompieno. Le ka ithuta le gore le ka ipapatsa jang go kgatlha baji-bareki,” ga bua Kgosi Mudongo. Kgosi Mudongo o lebogetse tshwetso e puso e e tsereng go tlhatlhelela bomme ntswa bangwe mo go bone e le bagodi. O tsweletse ka go ba lemotsha gore ba ka atlega mo go tsotlhe tse ba eletsang go di dira mo botshelong fela fa ba ka bereka ka botswapelo le bopelotelele. Mongwe wa baithuti Mme Chawangwa Aron go tswa Kgari, o lebogetse bopelotelele jwa barutabana le bomme ba ba neng ba ba thusa. O ne a akgola boeteledipele jwa Nlapkhwane botho jwa bone, ka ba ba amogetse ka matsogo oo mabedi. O tlhalositse fa puso e dira go le gontsi go thusa ba ba sa kgonang go ya dikoleng go annywa botsipa jwa go itirela ka diatla, ka jalo a lebogela lenaneo le. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 BOFWA e rutuntsha baithuti Motlhatlhelela dithuto kwa mokgatlhong wa Botswana Family Welfare Association (BOFWA) , Rre Onkagetse Present, o kgothaditse baithuti ba sekolo se sebotlana sa Bonatla kwa Maun go nna baeteledipele ba ba nonofileng. O buile jalo mo thuto puisanong e bana bao ba eleng di prefect, head boys and girls ba neng ba rutuntshiwa mo go yone, mme a re ba tshwanetse ba nna baeteledi pele ba ba nang le bokao mo balekaneng ba bone. A re moeteledipele ke motho yoo itseng go bua, a le pelotelele ebile a thusa mongwe le mongwe ka go tshwana a sa tlhaole ope, mme o tsweletse a re gape a tlhaloganya le gone go bala dilo ka go farologana. O tlhaloseditse bao ba ba tlhophilweng gore tiro ya bone ke go nna babueledi ba bana ba sekole le go thusa barutabana go laola bana le go bona gore a ba dira se se tshwanetseng, mme ba sa kgokgontshe. Rre Present o tsweletse a re ba tshwanetse ba itshwara sentle gore bana ba bangwe ba eletse gore le bone ba ka nna mo maemong ao. A re gape ba tlhokometse le gore a paka ya sekolo e aperwe le gone go itse gore fa ngwana mongwe a na le mathata kwa lwapeng ba ka mo lemoga jang mme ba itsese barutabana ba bone ka seemo seo. Rre Present o ne gape a ba rotloetsa gore ba nne ba nna le bokopano jwa bone gore ba nne le sebaka sa go itsheka tsheka gore a mme tiro ya bone ba e dira ka manontlhotlho, le go bona gore tse di saletseng ba ka di dira jang. O ba kopile gore ba nne ka nako tsotlhe ba hapaanela tiro ya bone gore ba neele ba bangwe sebaka sa go ithuta go bua ba phuthologile, le gone go ithuta go bua, le go ema fa pele ga ba bangwe ba sa tshabe sepe. Gape o tsweletse a ba gakolola gore lefa ba neetswe maemo ao, seo ga se reye gore ba tlaa itse kana ba kgona go rarabolola dikgang tsotlhe, mme a re tse ba sa di kgoneng ba nne ba di neela barutabana kana mogokgo wa bone. A re ba tswelele ka go simolodisa go bua ka dikgang tse dingwe jaaka HIV le AIDS le go lwantsha dikgang di tshwana tsa nnotagi le tse dingwe tse di ba amang mo sekolong sa bone. Mogokgo wa sekole seo Mme Dorcus Setlhoko a re e le boeteledipele jwa sekole ba bonye go tshwanela go rutuntsha bana bao ka boeteledipele jo bo nonofileng ka jaana e le bone bagogi ba ka moso. A re o dumela gore mo kgaolong eo ke bone ba ntlha go rutuntsha bana ka go nna baeteledipele ba kamoso. O ne a ba bolelela gore motho a nne moeteledipele o tshwanetse a rutega gore a nne le bokamoso jo bo nonofileng. Mme Setlhoko o tsweletse a re boitsholo jo bontle mo moeteledipeleng ke selo se se lebelelwang thata, a tlhalosa fa thuto puisano eo e le go ba nonotsha. A re sekano sa bone ke gore ba apare paka ya sekole e e feletseng, go tlotla barutabana, baapei le bone bana ba sekole ka go tshwana. O ne a tlatsa ka gore thuto puisano eo e tsile ka nako e e siameng ka jaana e ba ruta le go ba tsibosa gore ga baa tshwanela go kgokgontsha ba bangwe mo sekoleng jaaka go ba jela mepako le tse dingwe, ka a re go dira jalo go ka dira gore bana ba tshabe sekole. Fa a tswala phuthego eo semmuso, ngwana wa lokwalo la bosupa mo sekoleng seo Wada Modise o gakolotse balekane ba gagwe go itse gore barutabana ke batsadi ba bone, a re fela jaaka batsadi ba a bo ba le kwa malapeng nako e ntsi ba mo tlhokomelong ya barutabana. A re fela jaaka botsadi, barutabana le bone ba lebanywe ke go neelwa tlotlo e ntsi, a ba a re ba kopela mo modimong go ba neela malatsi a maleele gore ba godise le ba ba tlaatlang ka lorato le ba le ba neelang. BOKHUTLO education 4 Molemi o inamola lehuma ka temo Molemi mongwe wa masimo a Mokoswana kwa kgaolong potlana ya Mahalapye, Rre Shadrack Moeng a re le fa dipula tsa monongwaga di ne di le boutsana, o solofetse thobo e e botoka ka a sale a lemile ka Ngwanatsele. “Fa e re phuu! nna ke a lema e bile ga ke re ka moso,”a tlhalosa. A re tema ya gagwe ya ntlha o lemile magapu fela ka gore one a kgona go emelelana le seemo sa loapi se se thata. Kwa Mokoswana Rre Moeng ke mongwe wa batho ba ntlha go loma letlhafula ka a lemile ka bokgola jwa dipula tsa ntlha. “Ke ja madi a magapu ke rekisetsa batho, boasa bo ya pele,”a tlhalosa. Rre Moeng a re gompieno ga a ise a simolole go rekisetsa bagwebi, a supa fa a rekisetsa batho ba ba jelang fela mo ganong. A re o lemile ditema tsa gagwe tsotlhe ka ditselana gore thobo e nne ntle. O tlhalosa fa mmidi wa gagwe o sa dira sentle ka gore mmidi wa mmoulo o tlhoka pula e ntsi le monontshane e bile o tshabelelwa ke letsatsi. Molemi yo o kaile fa ene a tshepha dinawa le magapu ka one a kgona go itshegetsa mo letsatsing. Go bona thobo e e nametsang, a re batho ba tshwanetse go tlhagolela dijalo. A re mhero o na le botlhole jo bo ka dirang gore dijalo di seka tsa gola sentle kana fa gongwe di felele di sule. O rotloetsa balemi go etela diofisi tsa balemisi go botsa ka tse di amang temo. A re fa balemi ba lefatshe leno ba ka tsaya temo ka tlhoafalo ba ka fokotsa dipalo tsa batho ba ba mo lehumeng la nta e tshetlha. Rre Moeng o kaile fa puso e le mo lobelong lwa go nyeletsa lehuma la nta e tshetlha mo lefatsheng leno ka bophara, ka jalo go mo bathong gore ba thuse puso. O rotloetsa balemi ba bangwe go dirisa lenaneo la ISPAAD sentle gore ba bone maduo a lone, a re lefatshe leno le na le tlhaelo ya dijo, ka jalo le tshela ka go reka dijo kwa mafatsheng a mangwe. Rre Moeng o tlhalosa fa seo se baka kgolo ya ditlhwatlhwa tsa dijo, mme go babalele bareki, a re fa balemi ba ka ntsha dijo tse di lekaneng seemo se ka fokotsega. economy_business_and_finance 3 Lore le ojwa le sale metsi Banni ba metse ya Matolwane le Moremi ba re kwelo tlase ya maduo a lekwalo la Junior Certificate, e bakiwa ke gore bana ba tla ba paletswe ke lekwalo la bosupa ba bo ba fetisediwa kwa sekolong se segolwane, jalo go ntshofale fa ba tsena kwa dithutong tse di kwa godimo. Ba supile ngongorego eo mo phuthegong ya kgotla bosheng, mo dikgotleng tsa bone ka go farologana kwa mopalamente wa bone, Rre Prince Maele a leng mo leetong la kgaolo ya gagwe. Ba re fa ngwana a palelwa ke dithuto tse di kwa tlase, ga a kake a ya go kgona tse di kwa godimo. Ba tsweletse ba re, go dirwe gore fa ngwana a sa kgona mo ditlhatlhobong tsa lokwalo la bosupa, a seka a fetisediwa kwa pele ka o a bo a sa kgone. Ba tsweletse ba re, go botoka ngwana a boelele lekwalo le le mo paletseng a tle a kgone go tswelela pele sentle. Barutabana ba dikolo tsa metse eo, ba ne ba kopa batsadi go tshwaraganele bana le bone go tokafatsa maduo. Ntswa banni ba motse wa Moremi ba ne ba bolelela Mopalamente gore bana ba lekwalo la bosupa ba dirile sentle go gaisa mo ngwageng o o fetileng, ba Matolwane bone ba lela ka maduo a a wetseng tlase. E rile ba bua ka ditlhabololo, banni ba motse wa Moremi ba kopa go tsenyediwa motlakase mo motseng, ka motlakase wa didiba o ralala motse wa bone. Kwa Matolwane ba ne ba lebogela go atolosiwa ga kokelwana ya bone le gore di ARV di bo di tsewa mo go yone. Ba re kwa sekolong se se botlana matlo a masha a a sa tswang go wediwa a barutabana ke setlhare fela ka nako tsa dipula, ga gona matlwana a boitiketso a barutabana mo sekolong , mo godimo ga moo, ntlo ya boapeelo e setse e onetse. Fa a araba, mopalamente, Rre Maele o ne a re o tlaa isa dikopo tsa bone kwa go tshwanetseng teng le yone ya motlakase wa Moremi . O ne a ba lekodisa ka dikgang tsa kwa palamenteng tsa melawana e e fetisitsweng jaaka wa go fetogela tshwetso ya molao wa lenyalo la tlhakanelo dithoto kana go sa di tlhakaneleng batho ba ntse ba le mo nyalong. A re pele o ne o sa letlelele banyalani go ka dira jalo fa e se fela ba ka kgaogana pele ba bo ba nyalana sesha go diragatsa molao o ba o batlang. BOKHUTLO education 4 Ba Otse ba kgothadiwa go nyalana kafa molaong Banni ba Otse mo kgaolong ya Legare ba kgotlhaditswe go shafatsa manyalo a bone gore ba kgone go neelwa ditlankana tsa manyalo go supa fa ba nyalane kafa molaong. Kgotlhatso e dirilwe ke kgosi Boithamako Keipone mo lonyalong la kgosana ya kgotlana ya Kgaimena Rre Gaosotwe Masole le mohumagadi wa gagwe, Mme Godiramang Tsietso, ba go bolelwang ele batho ba ntlha kwa Otse go nyalana kafa molaong le go nna le setlankana sa lonyalo. Kgosi Keipone o boletse mo potsolotsong gore lefa batsadi ba motse wa gagwe bana le dingwaga ba ntse ba nna mmogo e bile ba tshotse bana mmogo le go nna le malwapa e bile bangwe ba bone ba ntshitse magadi, se be sa phiri ke gore batho ba motse wa gagwe ga bana ditlankana tsa manyalo go rurufatsa fa ba nyalane kafa molaong. A re go nna mmogo ga batho ba sa nyalana e bile bana le malwapa go rontsha bana tshwanelo ya go akola ditshwanelo tsa batsadi ba bone fa ba setse ba tlhokafetse kana batsadi ba bone ba kgaogana ka jaana ba masika ba kgona go gana ka dithoto tseo ka seipatlo sa gore batho bao ga ba nyalana kafa molaong ntswa bangwe ba bone ba ntshitse magadi e bile bana le malwapa mmogo. Kgosi Keipone yo a neng a akgolela Rre Masole le mohumagadi wa gagwe go nna sekao mo motsing wa Otse ka go nna batho ba ntlha go nyalana kafa molaong le go nna le setlankana sa lonyalo, o rotloeditse morafe wa gagwe segolo jang ba ba setseng bana le bana le malwapa e bile ba ntshitse magadi goya go shafatsa manyalo a bone ka go nyalana mo makgotleng a setswana kana kwa ga molaodi le mo dikerekeng ka le tsone di kgona go ntsha ditlankana tsa manyalo. A re gole gantsi batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana ntswa bana le bana eyare go hulareng ga bone, bana ba bone ba sale ele dikhutsana ntswa batsadi bana le dithoto tse bana bao ba ka itshetsang ka tsone jaaka dikgomo, dipodi, malwapa le masimo a gantsi a ikgagapelelwang ka ba masika. Kgosi o tsweletse ka go tlhalosa fa dingwe tse di tshwenyang ga baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana ele dipolaano tse go tweng ke tsa marato tse phelelong ya tsone di phuaganyang bana ele masiela kana batlhoki mo go pateletsang puso go tlhokomela bana ba go nna jalo. A re fa baratani bangwe le bangwe gammogo le banyalani bane ba ka nna le seabe sa go tlhokomela bana ba bone, madi a dirisiwang ke lephata la boipelego go tlhokomela bana ba masiela ane a ka dirisiwa mo ditirong tse dingwe tsa ditlhabololo. society 9 Tsogwane o rerisa Ghanzi ka molao wa matimela Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Slumber Tsogwane, o boleletse banni ba Ghanzi gore go na le diphetogo tse di tshwanetsweng go dirwa mo molaong wa matimela.Tona o buile mafoko ao fa a ne a buisa phuthego ya kgotla ka Ghanzi ka letsatsi la Mosupologo. A re fa go na le diphetogo tse di dirwang le go bakangwa ga melao, Batswana ba tshwanetse go itsisiwa gore le bone ba tle ba ntshe maikutlo a bone.Tona o boleletse banni gore diphetogo tsa molao wa matimela di akaretsa go fokotsa malatsi a dikgomo tsa matimela go nna dikgwedi tse tharo fela kwa masekeng a matimela.Tona a re barui ba tshwanetse go ya go duelela dikgomo tsa matimela letsatsi pele ga di rekisiwa ka gore gantsi barui batswa kgakala go tla go tsaya dikgomo tsa bone letsatsi pele fa go rekisiwa mme basa kgone go bona thuso.Tona oboleletse banni bao fa diphetogo tseo difokotsa ditshinyegelo tse di dirwang ke dikhansele go dirisa madi a mantsi go jesa dikgomo tsa matimela ka gore di nna sebaka se seleele beng ba tsone ba sa tle go di golola.Mo dikganyeng tse di amang bogosi jwa Ghanzi, okopile mookamedi wa lephata la makgotla a Setswana go ya go ntsha dipampiri tsa phatlalatso tsa tiro ya bogosi jwa Ghanzi mo dibekeng tse pedi. A re kgang ya go hirwa ga bogosi jwa Ghanzi e tsere lebaka le leele.Tona o kopile mookamedi yoo gore fa bahira ba tshwanetse go lebelela pele maina a batho ba kgaolo ya Ghanzi pele, kwantle ga gore bahire batho ba ba tswang go sele ntswa mo Ghanzi gona le batho ba di thutego tse ba di batlang.Erile Tona a itebaganya le pego ya komiti ee okametseng dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse mo Toropong ya Ghanzi a tlhalosa fa maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa Metse ele baithaopi ka jalo ga ba tshwanela go duelwa ka lenaneo la ipelegang,ka gore bone bana le dikatso tse ba dibonang.Tona o kopile mokwaledi wa Khansele go diragatsa kopo ya ga Tautona wa Lefatshe leno gore fa gona le dithendara di neelwe beng gae gona le gore di neelwe batho ba batswang kwa Metseng e sele kana dikgaolo di sele. A re Taotona one a kopa jalo go leka go nyeletsa lehuma le letlhoko la ditiro.Erile banni ba Toropo ya Ghanzi ba akgela ba supa fa diphetogo tsa molao wa matimela di tsile ka nako e e siameng mme fela bane ba kopa gore dikgwedi tse tharo di dinye ka gore kitsitso ya matimela ga e tsamaye sentle.Banni bao bane ba kopa Tona gore ba direlapuso ga ba tshwanela go nna mo Kgaolong dingwaga tse di fetang bobedi, ka gore fa ba ntse dingwaga tse dintsi ga ba bereke sentle.Banni bao bane ba kopa Tona gore fa Motswana a batla go tsaya mananeo a puso ga bedi kana ga raro a letlelelwe ka gore gongwe o lekile lantlha a bona le sa mothuse ka sepe jaanong o batla lelengwe gape a letlelelwe go tsaya a mangwe gore akgone go itshetsa sentle.Banni bao ba tlhalositse fa gona le Batswana ba bangwe ba ba tsereng mananeo a puso ka go tlhoka mmaraka mananeo a a photlhama fa ba batla a mangwe gatwe ga go letelelwe.Banni bao bane ba kopa Tona go ba tlhalosetsa gore ke nnete mo Toropong ya Ghanzi ka fa molao ga go hirwe dikgosana tse di tsereganyang. Banni ba boleletse Tona fa puso e ba beile kafa museng ka gore Ghanzi ga se Toropo e e tshwanang le Jwaneng.Banni bane ba lela ka leruo le le gobeyang mo Toropong ya bone ba kopa gore Tona a ba thuse ka leruo la gonna jalo. Bane gape kopa Tona gore Puso e rekele batho ba lenaneo la nyeletso lehuma lefatshe mo dipolaseng tse di rekisiwang gaufi le Toropo ya Ghanzi gore lefatshe leo letle letswele batho bao molemo.Erile Tona araba dilelo tsa bone a tlhalosa fa ba direlapuso basa tshwanela go berekela mo lefelong le lengwe sebaka se seleele. A re mabapi le go gobeya ga leruo mo Toropong molao oteng ka gore Ghanzi ke toropo ka jalo ba khansele ba tshwanetse go emela kgang eo ka dinao.Tona o boleletse banni bao fa Motswana mongwe le mongwe a letlelelwa go tsaya mananeo jaaka a batla. A re ga gona molao o o kganela Motswana go tsaya mananeo jaaka a batla.Erle a itebaganya le dikgosana tse di tsereganyang a tlhalosa fa ele nnete Toropo ya Ghanzi ga ena go thola e nna le dikgosana tse di tsereganyang ka gore ka molao wa Toropo ga ena maemo a go nna jalo. A re ditlhabololo ga ditle ka go tshwana mme fela se se salang Ghanzi ke Toropo jaaka Toropo ya Jwaneng.Erile Mopalamente wa Ghanzi Bokone Rre Noah Salakae a ntsha Malebogo a tlhalosa fa dikgang tsa lefatshe mo Toropong ya Ghanzi ele mathata ka gore bontsi jwa banana ga ba tseye mananeo ntateng ya lefatshe.Mopalamente a re bontsi jwa batho ba ba rekileng Lefatshe lele dikologileng Ghanzi ke batho basweu ba batswa kwa Aferika borwa, one a kopa Tona go bona gore banana ba mo Toropong baka thusiwa jang. BOKHUTLO politics 7 Mokhanselara o supa matshwenyego Mokhanselara wa Maunatlala, Mme Salome Lesole, o supile matshwenyego mabapi le banana ba ba tsayang mananeo a nyeletso lehuma ba bo ba sa supe kgatlhego mo go one. O ne a bua jalo kwa bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke ba lephata la tsadiso, kgodiso le tlhabololo ya leruo go tsibosa ba ba ikwadiseditseng mananeo a nyeletso lehuma ka mananeo a masha a ba nang le one mo lephateng la bone kwa motseng wa Maunatlala bosheng. Mme Lesole a re go setse go supegile gore go na le banana bangwe ba ba tsayang mananeo a nyeletso lehuma a tshwana le la dipodi ba bo ba felela ba sa di tlhokomele di bo di felela di timetse kana di wela mo diatleng tse e seng tsone. A re bangwe ba felela ba tsaya dipodi ba bo ba di isa kwa mafelong a tshwana le kwa masimo mme ba bo ba di phuaganya le batsadi ba bone ba ba sa kgoneng di bo di felela di nyelela ka di a bo di tlhokile tlhokomelo. O boletse fa seemo seo se tshwenya fela thata ka puso e dirile mananeo ao gore batho ba intshe mo lehumeng. A re mo nakong eno go na le letlhoko le lentsi la dipodi mme ba ba saleng ba tsaya dipodi ka lenaneo la nyeletso lehuma e kabo e le bone ba rekisetsang ba ba mo thulaganyong ya go reka dipodi ka lenaneo la nyeletso lehuma. Mme Lesole o ne a supa fa kgaolo ya Tswapong bokone e le kgaolo e banni ba yone ba leng maoto a tshupa go tsaya mananeo a bone ka madi a ba tshwanetseng go a newa gore ba a dirise mo mananeong a felela a busiwa a le mantsi. O ne a rotloetsa ba ba tsayang mananeo a go itshetsa jaaka a nyeletso lehuma le a banana go etela diofisi tse di lebaneng go botsa gore ba tlhaloganye tse ba ka tswang ba sa di tlhaloganye di tshwana le malwetsi a leruo. Rre Gaedupe Mbakile wa lephata la tsadiso, kgodiso le tlhabololo ya leruo kwa Maunatlala o ne a bolela fa ba ne ba bona go tshwanela gore ba tsibose ba ba ikwadiseditseng go tsaya mananeo a nyeletso lehuma ka mananeo a masha a puso e a dirileng. A re ba ne ba ba itsise ka mananeo a masha a thuo ya mebutla, go lema furu le go suga matlalo ka bontsi jwa bone ba ikwadiseditse go rua dipodi mme ba sa ba patike go fetola se ba neng ba se eleditse. BOKHUTLO society 9 Go tlhoka Omang go kgoreletsa ikwadiso Lefa ikwadisetso ditlhopho tsa setshaba e tsweletse sentle mo dikgaolong tsa botlhophi tsa Shoshong le Mahalapye bophirima, go bolelwa fa go tlhoka go tsaya dikarata tsa Omang ga batho go ba kgoreletsa go ikwadisetsa ditlhopho ka bontsi. Mogolwane wa lekgotla le le ikemetseng la ditlhopho kwa Mahalapye, Rre Peter Mahlakata, a re fa e sale ikwadisetso ditlhopho e simolola kgwedi eno e tlhola malatsi ale mane kwa kgaolong ya botlhophi ya Shoshong go setse go iwadisitse batho bale 3 520 fa mo kgaolong ya botlhophi ya Mahalapye bophirima, go ikwadisitse batho bale 4 451. Rre Mahlakata o boletse mo potsolotsong gore lefa ikwadiso e tsweletse sentle mo dikgaolong tseo ka bobedi, se be sa phiri ke go kgoreletswa ke go tlhoka Omang ga batho ka jaana ba itsapa go latela dikarata tsa bone kwa Mahalapye fa bangwe ba bo ne dikarata tsa bone di sa tlhole dile mo tirisong. Rre Mahlakata o tsweletse ka go tlhalosetsa ba motswedi wa dikgang go batho bangwe ba bare ga ba kake ba ikwadisetsa ditlhopho pele ga baitse maina a bontlhopheng ba ba tla ba emelang mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba. A re ere ntswa ele ba ofisi ya ditlhopho mo Mahalapye ba dirile bojotlhe go anamisa melaetsa ya ikwadisetso ditlhopho mo Seromamoeng,dikoranta, go buisa diphuthego tsa kgotla le go mataretsa mekwalo ya dikitsiso mo makotswaneng a di ofising tsa makgotla a Setswana,o swabisiwa ke go bona batho ba le maoto a tshupe go ikwadisa ntswa ikwadiso e tswalelwa kgwedi eno ele masome a mabedi le bosupa. A re ikwadisetso ditlhopho go tsweng ka Mosupologo go tsena ka labotlhano e simolola ka nako ya borobabongwe mo mosong go tsena ka nako ya borataro mo tshokologong fa ka Matlhatso le Sontaga go ikwadisiwa ka nako ya boferabobedi mo mosong go tsena ka nako ya bone maitseboa. E rile mogolwane wa lephata la Omang,matsalo le dintsho Mme Boremo Galathwe a tswa la gagwe a bolela fa batho bangwe ba itsapela go tsaya dikarata tsa Omang ka jaana ba itse fa ba tla dirisa diresiti fa ba tlhoka dithuso tsa madi kwa dibankeng kana ba tsaya madi a bagodi mo diposong. Mme Galathwe o rile lefa ba tlhaelelwa ke bodiredi le dipalamo, gone ba badira ka bojotlhe go tsamaya le metse ele masome a mabedi le botlhano le metsana ele masome a mane le bobedi e welang mo kgaolong ya bone go thusa batho go tsaya dikarata tsa bone tsa Omang,go shafatsa dikarata tse dikgologolo,go direla bana dikarata tsa matsalo, go kwadisa dintsho le go fetola difane. A re Batswana ba ba ka fithelwang ba sena dikarata tsa Omang,mme bana le dingwaga dile lesome le borataro goya kwa go dimo ba tla tseelwa dikgatlo ka go lelefisiwa P500 kana dikgwedi tse di sa fetleng borataro mo kgolegelong kana dikatholo tseo di tsamaya mmogo. Mme Galathwe o rile ere ka ba lekgotla le le ikemetseng la ditlhopho ba ba thusitse ka koloi,maikaelelo ke go anama le kgaolo go neela batho dikarata tsa bone pele ga malatsi a ikwadisetso ditlhopho aya bokhutlong. A re o setse a kopane le makhanselara go abelana megopolo ka ditsela tse di ka dirisiwang go rotloetsa batho go tsaya dikarata tsa Omang le go ikwadisetsa ditlhopho tse di tlang tsa 2014. Bokhutlo politics 7 Moletlo wa Kwa Chomeleng o tsamaile ka thelelo Kwa Chomeleng Cultural Festival e e neng e tshwaretswe kwa Anne Adams Park kwa Selebi Phikwe ka Matlhatso, e ne e ngokile badiragatsi ba mmino ka go farologana. Culture Spears, Ramozara, Tumza Kala tsa Kgale le Diwetse Cultural Group ke bangwe ba ba neng ba diragatsa kwa moletlong o o neng o tshwerwe ka setlhogo se se reng, Tshomarelo Ngwao e ka Thusa go Kabakanya Itsholelo. Ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Molosiwa Molosiwa a re ngogola banana ba Selebi Phikwe ba eteletswe pele ke Rre Tshepho Tsela ba ne ba supa fa ba na le keletso ya go dira moletlo o o tlaa supang talente ya banana ba toropo eo. Mogopolo a re o ne a o rata ka go ne go itshupa fa banana ba na le keletso ya go bona toropo ya bone e thantse. O solofeditse kemonokeng ya boeteledipele jwa toropo ka moletlo o, e le tsela nngwe ya go tsosolosa itsholelo. Mokwaledi wa pele wa khansele ya Selebi Phikwe, Rre Godimo Garegope yo e neng e le ene sebui sa letsatsi o ne a supa fa Kwa Chomeleng e simologile ka fa tlase ga boeteledipele jwa gagwe, mme keletso e le go bona moletlo o gola go ngoka bagwebi ba tshwana le badiragatsi ba ditshwantsho tsa motshikinyego. Rre Garegope a re se se ka dira gore bagwebi ba babotlana le bone badiragatsi ba bone letseno le le ka tlhabololang matshelo a bone mme letlhoko la ditiro le fokotsege. Rre Tshepho Tsela yo e leng ene a eteletseng pele komiti ya Kwa Chomeleng, o supile fa go ne go se motlhofo natateng ya letlhoko la madi ka ba ise ba bone barotloetsi mme a kopa dikhamphani le batho ka go farologana go ba tswa thuso. Maikaelelo a re ke gore Kwa Chomeleng e tshwarwe ngwaga le ngwaga ka e setse e le mo ngwageng wa bobedi. Moletlo o ne wa simolola ka mmopelela wa batho ba apere kapari ya Setswana le dikoloi go ralala toropo. O ne o kgaogantswe ka dikarolo di le pedi, karolo ya ntlha e ne e le ya mmino wa ngwao o o sa tswakanngwang ka diletswa tsa segompieno jaaka borankana, tiriso ya marapo le poko. Karolo ya bobedi e ne e akaretsa mmino wa setso o o tswakantsweng ka diletswa tsa segompieno o o neng o supa bothakga jwa setlhopha sa Culture Spears le Ramozara. Bagwebi ba ba botlana le bone ga ba a tswa fela ka lesapo la moro ka ba nnile le sebaka sa go rekisa le go bapatsa dikgwebo tsa bone. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Go obamela ditaelo tsa bongaka go botlhokwa Ba booki mo kokelong ya Tsabong ba rotloeditse banni ba Kgalagadi Borwa ba ba tshelang ka mogare go obamela ditaelo tsa bongaka. Mooki yo o okametse lekalana la diritibatsi kwa kokelong eo, Mme Boitumelo Monnahela, a re go sala ditaelo morago go thusa gore dipilisi tse di ritibatsang mogare di kgone go bereka. Mme Monnahela o buile jaana kwa kgotleng kwa go neng go tshwerwe tiro ya go tswala semmuso kgwedi ya Lwetse e e seegetsweng fa thoko ke puso go nna ya thapelo kgatlhanong le mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS. O ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go tsaya dipilisi tsa ARV ka nako ka jaana kwa di fiwang teng go sa bulwe malatsi otlhe le gore mongwe le mongwe yo o tshelang ka mogare o beetswe letsatsi la gagwe go fokotsa mosuke. A re gape balwetsi ba tshwanetse go ya kokelong ka fa ba laetsweng ka teng go tsaya madi, go tlhola selekanyo sa mogare mo mading le one masole a mmele le gore dipilisi di ba tsaya le go bereka sentle, a supa fa sebete le diphilo di ka amega mme madi e le one a ka supang. O supile fa tsholofelo e le gore mogare o tshwanetse go ritibala mme le masole a mmele a ntsifale fa molwetse a sala ditaelo tsa bongaka morago Mme Monnahela o ne a tlhalosa fa diritbatsi di sa fodise mme di kokobetsa mogare, ka jalo di sa tshwanela go tlodisiwa ka e le yone nako ya gore mogare o bone nako ya go iphetola o nna bodipa, mme seo se dire gore mogare o nne fela o le kwa godimo. A re mogare o o bodipa o borai ka gore fa o fetela kwa go yo mongwe o tsena o ntse o le bodipa, a supa fa mmangwana a imile a na le mogare oo, o ka o fetisetsa kwa loseeng mme seo se dire gore bana ba tsholwe ba na le mogare. O ne a ba gakolola gape go emisa gotlhelele go nwa bojwala fa ba tsaya diritibatsi ka seo se ka dira gore di seka tsa bereka sentle. Molomaganya ditirelo tsa HIV/AIDS mo Kgalagadi Borwa, Mme Cathrine Molomo o ne a supa fa e rile go lemoga go simolola ga mogare mo Botswana, puso ya ema ka dinao go tswa ka ditsela tse di farologanyeng go o lwantsha le go akaretsa dikereke ka e le tsone di agang diphuthego go fetola boitsholo. Mme Molomo o ne a tlhalosa fa lefatshe le le mo maemong a boraro mo mafatsheng a a mo Afrika a a amilweng ke mogare, bogolo jang mo go bomme le basetsanyana, mme gape go na le palo e e kwa tlase ya ba ba itlhatlhobelang mogare. A re ditshekatsheko di supile fa batho ba le 370 000 ba tshela ka mogare wa HIV mo lefatsheng leno, fa mo Kgalagadi Borwa malwetse a tlhakanelo dikobo a le kwa godimo ka selekanyo sa 3.7 per cent fa batho ba ba itlhatlhobelang mogare ba le kwa tlase ka selekanyo sa 21 per cent. O ne a tlhalosa fa basetsanyana ba dingwaga tse di lesome le boraro go fitlha kwa go ba ba dingwaga tse di lesome le boferabongwe ba ima ka selekanyo sa 4.4 per cent, se se rayang gore bangwe ba ima ba le kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabongwe mme batsadi bangwe ba tsweletse ka go loba dikgang tseo ba seke ba ye go ikuela kwa mapodising ka e le molato go tlhakanela dikobo le ngwana yo o dingwaga tse di kwa tlase. E re ka jaana setlhogo sa letsatsi leo e ne e le; Fa re na le Modimo HIV/AIDS e a Fela, o ne a kopa baruti go ema ka dinao go bua le diphuthego go fetola boitsholo le go ba rotloetsa go emisa go tlhakanela dikobo ntleng ga lenyalo. O ne a rotloetsa banni gape go itebaganya le mokapelo a le mongwe mo go ba ba mo lenyalong, go fokotsa go iphetisa bojalwa, le gone go emisa go kgetholola ba ba tshelang ka mogare wa HIV. O ne a tswelela ka go kopa gore baruti ba nne sekao mme ba emise go goga leina la baruti mo seretseng ka go dira ditiro tse di duleng mo tseleng. Mme Molomo o boletse fa mo Kgalagadi Borwa ba kgonne lenaneo la PMTCT, ka jaana mo nakong ya gompieno go sena masea a a tsholwang a na le mogare. A re go sa ntse go tlhokafala thata gore baruti le diphuthego ba rapelele bolwetse joo ka pelo e le nngwe, a tlatsa ka go re Modimo ke makgonatsotlhe. Baruti ka go farologana ba ne ba rapela kgatlhanong le matshwenyego otlhe a a apesitseng lefatshe leno a akaretsa megare e mesha e e tsenang, boipuso le kagiso, pula, dipolaano tsa baratani, dikotsi tsa tsela le ditagi, go tlhoka kutlo ga bana, kgokgontsho, ditlhopho tsa mono ngwaga le tse dingwe. health 6 Ba lelela ditiro tsa marekisetso Mokhanselara wa kgaolwana ya Kgosing/Kubung kwa Maun, Rre Tswelelo Sebati a re ntswa puso e laotse go tswalwa ga marekisetso a dinotagi go itsa kanamo ya mogare wa corona, bangwe ga ba obamele taelo eo, lebaka legolo e le go fema tatlhegelo ya ditiro. O ikuetse jalo kwa kgotleng ya Kubung mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Maun bophirima Rre Dumelang Saleshando yo gape e leng moeletedipele wa kganetso kwa palamenteng. Phuthego e ne e tshwerwe go tsibosa bogogi ka seru sa bolwetse jwa COVID-19 se se wetseng lefatshe ka bophara. Mopalamente o boloditse letsholo kwa kgaolong ya gagwe go buisana le bogogi jwa dikgotlana le gone go ba rotloetsa go gasa molaetsa wa ipabalelo go hema go anama ga mogare. Le fa go ntse jalo, Rre Sebati a re morago ga taelo ya puso ya gore marekisetso a dinotagi a tswalwe e le tsela ya go fokotsa kanamo ya mogare wa COVID-19, o ne a tsamaya le kgaolo go lekola seemo mme a lemoga fa beng bangwe ba madirelo ba tsweletse ka go itlhokomolosa taelo eo. A re ba fitlhetse mo marekisetsong mangwe batho ba thibile mme ya re ba ntsha lefoko la kgakololo, banni bangwe ba ba supa ka monwana gore ba latlhegetswe ke ditiro ka ntlha ya go tswalwa ga dibara. A re bangwe ba lela sa ga Ragele ka jaana ba tlaa lala ba paletswe ke go duela matlo a phiriso ka ntlha ya go latlhegelwa ke ditiro. O tlhalositse fa go se maleba gore e re puso e kgathala ka botsogo le matshelo a Batswana, bangwe ba bo ba itlhokomolosa. Rre Sebati a re batho ba tshwanetse ba tlhaloganya borai jwa COVID-19, a tlatsa ka go re ke ka moo puso e boneng go tshwanela go tla ka methale e e ka fokotsang kanamo e tshwana le go emisa bokopano jwa batho ba le bantsi. A re e le boeteledipele ba tlhaloganya gore ditaelo dingwe di tlaa ama matshelo a batho mme go botlhokwa gore di amogelwe fela ka jaana botsogo e le konokono. O boletse fa mo mafatsheng mangwe jaaka Italy batho ba latlhegetswe ke matshelo ka dipalo mme a re seo e tshwanetse ya nna thuto mo bathong gore bolwetse jwa COVID-19 bo borai tota. Mopalamente Saleshando o ne a gwetlha morafe go tshwaragana le puso mo nakong e e thata e go diragatsa ditaelo. A re ba seka ba nna le letshogo le le kwa godimo ka se se diragalang kwa mafatsheng a mangwe. A re se se botlhokwa ke go thibela mogare oo ka ditsela tsotlhe. O kopile morafe gape go ikgapha mo dipegong tse e seng tsa boammaaruri, bogolo jang tsa maranyane, a re ba ikanye go reetsa diromamowa tsa mo gae ka jaana kgapetsakgapetsa di gasa melaetsa ya ba botsogo ka mogare oo. Rre Saleshando o boletse fa ba botsogo ba rurifaditse fa mogare oo o sa tsene ka phefo jaaka bangwe ba ne ba supa mo maranyaneng mme a kgothatsa banni go diragatsa se ba se kopiwang ke ba botsogo jaaka go nna mo malwapeng, go tlhapa mabogo ka molora kgapetsakgapetsa le gone go emisa go dumedisana ka mabogo. O gwetlhile bogogi jwa dikgotlana go gasa molaetsa kwa banning go fema kanamo ya mogare oo. society 9 Dikago tsa puso di tlaa gokelwa motlakase Tona wa Lephata la Meepo, Kgotetso le Metsi, Rre Kitso Mokaila o solofeditse banni ba Ikongwe mo kgaolong ya Shshong gore dikago tshotlhe tsa puso di tlaa gokelwa motlakase mo bogaufing. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama, Rre Mokaila o tlhalositse gore e tlaa re mo ngwageng wa madi o o tlang wa 2015/2016, dikago tshotlhe tsa puso di akaretsa matlo a barutabana le di kago tse dingwe tsa puso ba di gokelele motlakase. Rre Mokaila a re e re ntswa motlakase o feta fa thoko ga motse wa bone go tsere puso lobaka go gokela ntateng ya letlhoko la madi. Le fa go ntse jalo o ne a ba tlhagisa gore motse otlhe o gokelwe go ne go tsile go tsaya lobaka gongwe mo dingwageng tse di tlang. Rre Mokaila o ne a araba modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse oo, Rre Onyaditse Sepane yo o neng a itela gore motse wa bone ga o na motlakase le ntswa dipale tsa motlakase di feta gaufi le motse wa bone. Rre Sepane o ne a ikuela gape gore e e ntswa ba bona dithuso di tshwana le dipilisi tsa diritibatsi tsa di ARV, ba sokola go ya Shoshong go ya go bona ngaka. E rile fa a araba selelo se, tona wa lephata la botsogo Mme Dorcus Makgatho a tlhalosa gore ke maitlamo a bone gore ba katolose ditlamelo tsa botsogo go ya kwa bathong. Mme Makgatho o ne a ba netefalatsa gore e tlaa re kgwedi e e tlang ya Tlhakole e simologa ba simolole gore ba etelwe ke ngaka mo motseng wa bone gangwe fela mo kgweding go thusa bao ba ba sa kgoneng go ya Shoshong. O ne a tlhalosa gore ke maikaelelo a bone gore e re ngwaga wa ditogamaano tsa ditlhabololo tse di tlang tsa NDP11 ba tlhabolole dikokelwana tsotlhe go nna dikokelo. Fa a akgela banni ba motse oo ba ne ba supa ka fa tshwenngwang ke diphologolo tsa naga ka teng ba re di ba senyetsa kwa masimo gape di ba jela leruo. politics 7 Badiri ba supa kutlwelobotlhoko E rile ka mafelo a beke, moithuti wa pele wa sekole se segolwane sa Moeng, a abelwa semmuso ntlo e a e agetsweng ke badiri ba sekole se se botlana le se segolwane kwa Moeng. Moithuti yoo, yo o feditseng kwa Moeng College ka ngwaga wa 2011, Ditiragalo Seboko, ke mo-na-le-bogolole yo o se nang mabogo otlhe mme go bolelwa a dirisa maoto go kwala e bile go kaiwa e le sekgantshwane mo go tshwantsheng. Ntlo e o, e agilwe morago ga gore morutabana wa Moeng College a ntshe mogopolo wa go thusa Seboko, mme babereki ka ene ba ne ba o amogela . Fa a bua kwa moletlong wa go rola ntlo eo semmuso, mookamedi wa lekgotla la Cheshire Foundation, Rre Billy Masebola, o boletse fa ba-na-le-bogole ba tlhoka thuso le tlhokomelo tse di tseneletseng gore ba nne le karolo mo setshabeng. O boletse fa a tshwenngwa ke batho ba ba sa ntseng ba fitlha ba-na-le-bogole, a re go dira jalo ke go ba rontsha ditshwanelo tsa bone ka jaana ga ba kgone go bona maungo a lefatshe le. Rre Masebola o boletse fa ba sale ba thusa Seboko a sale monnye ka ngwaga wa 1999 mme a re o lebogela mmaagwe go sa ipona tsapa ka a ne a batlela ngwana wa gagwe botshelo jo bo kgethegileng. Modulasetilo wa komiti e e neng e agela Seboko ntlo o boletse fa tiro ya bone e simologile ka 2006 mme e itebagantse le matshego a tebelopele ya setshaba le Millennium Development Goals. Rre Dintwe Dintwe a re ba ne ba na le dikgwetlho tse dintsi ke ka moo go tsereng dingwaga di le dintsinyana go wetsa tiro eo. Bokhutlho education 4 Somolekae o kgothatsa dialogane Mothusa tona wa botsogo, Dr Gloria Somolekae o kgothaditse dialogane tsa Community Capacity Enhancement and Empowerment Society ( CCEES) kwa Kgalagadi go ema ka dinao ka go dira ka natla ka nako tsotlhe go itepatepanya le go fetola diemo tse di sa siamang tse ba tshelelang mo go tsone. Dr Gloria Somolekae o buile jalo kwa kalosong ya dialogane tseo tse di masome a le mane kwa Khuis ka Matlhatso. O kaile fa mokgatlho oo maikaelelo wa one e le go thusa banni ba metse ya Rapplespan, Gakhibane, Khawa, Kolonkwaneng, Bokspits,Bogogobo, Khuis, Middlepits le Stuizendam ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone. Dr Somolekae yo ebileng gape e le leloko la khansele ee itebagantseng le ditlhabololo tsa dikgaolo, o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore banana ba tsee karolo e le baeteledipele mo go nneng le seabe mo go fetoleng diemo tse ba tshelelang mo go tsone, dikgwetlho tse ba kopananng le tsone go tswa ka ditharabololo mo dikgaolong tse di farologanayng mo lefatsheng leno. O kaile fa lefatshe leno le tswa kgakala ka mowa wa boithaopo wa go itirela ba tlhabolola metse ya bone le go tokofatsa matshelo a bone ba sa ikaega fela mo pusong. Dr Somolekae o ne a tswelela ka go tlhalosa fa lefatshe leno le lebanwe ke dikgwetlho tse setshaba sa lone se fekelang se tshelela mo go lone di akaretsa mogare oo golelang pele , go itontola dinotagi phetelela, tse e leng tsone tse di nang le seabe mo kanamong ya mogare w HIV/ AIDS, a kaya fa puso e dirisa madimadi mo go lekeng go bo lwantsha bolwetsi joo. O ne a gwetlha batsadi go nna le seabe le boikarabelo mo go ageng bana mme ba seka ba dira dipe tse di ka felelang di timetsa bana. Are gape ba kgona go felela ba kopa mekgwa eo. A kaya fa seo se ka thusa thata mo go bopeng babusi ba ba itsetsepetseng ka go nna le boitshwaro le botho jo eletsegang mo setshabeng. A tlatsa ka go leboga basimolodi ba mokgatlho wa CCEES ka o le botlhokwa mo go bopeng banana ba e leng baeteledipele ba tlhwatlhwa mo isagong ebile ba ba tebelopele go ba bopa sesha. A tlatsa ka go kopa go abalana kitso eo le bangwe. Fa ntsha la gagwe mme Imelda Molokomme mongwe wa baeteledipele ba mokgatlho o ne a supa fa a ne a gwetlwiwa ke go bana ka fa banana ba kgaolo eo ba neng ba tshela ka teng mo diemong di tshwana le boimana jo bo kwa tlase ga dingwaga , mogare wa HIV / AIDS tlhakanelo dikobo ya bana ba ba kwa tlase ga dingwaga le tse dingwe. A re bangwe ba banana ba ba masome a mabedi ba itlamile go nna baemedi ba ba bangwe mo go fetoleng setshaba sa bone. O tlhalositse fa baemedi ba, ba tla ya dithutong tse di ka godisang boitsenape jwa bone ka go ithuta ka go nna baeteledipele ba bangwe le go go rotloetsa bana ba basetsana. Dithuto tse di tla thusa bana ba gore ba ka lwantsha jang dikgwetlho tse ba ka kopanang le tsone mo botshelong. O supile fa bana ba basetsana ba lebagana le dikgwetlho di le di ntsi fela thata mo setshabeng. Mangwe a matshwenyego a ba kopang le one mo mokgatlhong moeteledipele wa one Mme Sophia Estruhuizen o kaile fa le letlhoko la madi le dipalamo ka metse eo e le bophara. Fa a a bala molaetsa wa kgothatso Rre Ruben mosimenyane boemong jwa ga Rre scelo Hlope wa Associated fund Administration( AFA)o ne a ba kopa dialogane tseo go nna baeteledipele ba tlhwatlhwa, ka go ikemisetsa dikgwetlho tse ba kopang le tsone le go tswa ka maano a go fedisa. Rre Mosimenyane o ne a ba galolola mongwe le mongwe ka tekatekanyo mme ba supa dipharologanyo mo go ope. A tlatsa ka go ba rotlotsa go abela kitso e ba nang le yone mo go bangwe ka bone mongwe le mongwe le setshaba ka kakaretso. Bokhutlo society 9 Ba-na-le bogole ba tshwanetse go engwa nokeng Kgosi Bohedile Tlwaelang wa Dukwi mo kgaolong potlana ya Tutume a re go botlhokwa gore ba-na-le bogole ba fiwe ke-mo-nokeng e e maleba. Kgosi Tlwaelang o buile jalo mo potsolotsong, a tlhalosa fa ke-mo-nokeng e le nngwe tsela ya go tsosolosa seriti, e tiisa mooko gape e ka dira gore ba-na-le bogole ba itse fa le bone ba na le bokgoni. O tlhalositse gape fa kemo nokeng e ka dira gore ba-na-le bogole ba diragatse ditoro le dikeletso tsa bone tse phelelong di tokafatsa matshelo a bone. Kgosi Tlwaelang o supile fa puso e dira ka gotlhe gore ba-na-le bogole ba kgone go itirela motswedi wa itshetso. A re puso e tsweletse ka go diragatsa le go tlhabolola mananeo a a farologaneng ka maikaelelo a gore ba-na-le bogole le bone ba a akole. Le fa go ntse jalo Kgosi Tlwaelang a re bangwe ba-na-le bogole ba retelwa ke go akola mananeo a ka jaana ba sa bone kemo nokeng e e maleba e bile e kgatlhisa. O bile gape a re ntswa bangwe ba setse ba filwe dithuso ka go farologana, di felela di phatlaletse kgotsa di phutlhama ka jaana go tlhokile kemo nokeng le thotloetso. Kgosi o bile a kgala a menne phata bogolo thata bangwe ba masika a ba-na-le bogole ka jaana ba sa tseye dikeletso tsa bone ka tlhwaafalo. A re bangwe ba sa ntse ba na le mokgwa wa go kgaphela ba-na-le bogole kwa tlhoko fa bangwe ba sena kgatlhego ya go ka thusa ka ditlhamelo tsa botlhokwa di akaretsa boroko le tse dingwe ka go farologana. Go sale foo Kgosi Tlwaelang o bile a rotloetsa ba-na-le bogole gore ba seka ba nna fela ka mowa wa boitlhobogo, a tlatsa ka go gatelela botlhokwa jwa go ikisa kwa bathong. O bile gape a kgotlatsa gore ba seka ba iteba dipopego kgotsa seemo se ba iphitlhelang ba le mo go sone a tlatsa fa le bone ba na le bokgoni jwa go ka dira maano a go tlhabololang tikologo e ba leng mo go yone. Kgosi o ne gape a re bomolemo jo ba-na-le bogole ba ka bo itirelang ke go supa kgatlhego tebang le go batla ditsela tse di ka ba thusang go diragatsa ditoro tsa bone Kgosi Tlwaelang a re ba-na-le bogole le bone ba tshwanelwa ke go tsibogela mananeo ka jaana a ka tokafatsa matshelo a bone e bile a fokotse gore ba ikaege thata. BOKHUTLO society 9 Ba Mahalapye ba lela ka ditsela Banni ba Mahalapye ba lela ka seemo sa ditsela tse di ralalang motseng wa bone. Banni ba kaile se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke tona wa lephata la ditsela le ditlhaeletsanyo, Rre Tshenolo Mabeo, mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo bosheng. Ba kaile fa seemo sa ditsela tsa motse wa bone di sa supe fa ele motse o motona, mme ka jalo di ba kgoreletsa le gone go ka bona ditlhabololo. Fa a rolelela tona kitsoso, modulsetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Mme baareng Raphane o kaile fa seemo se se sa itumedise fela thata mme e bile go ba isa le gone go ka dira sepe. Mme Raphane a re ditsela tsa motse wa bone di maswe fela thata mo e reng ka anako tsa dipula bangwe mo dikgotlaneng dingwe tsa motse ba palelwe ke go tsamaya. Mo go tse dingwe Mme Raphane o ne a tlhalosa fa ba komiti ya gagwe ba palelwa ke go dira diterelo dingwe di tshwana le go gokela motlakase kgotsa megala ya ditlhaeletsanyo mo dikgotlaneng tsa bone ka go tsaya lobaka kana go ba turela fela thata. A re golo mo go kokonela komiti ka jaana bas a kgone go duela dituelo tse di batliwang k aba patelesega go duela ditlhwatlhwa tsa dikgwebo go ka bona thuso. A re se seketefalela maiteko a bone go ka leka go thusa go tlhabolola motse wa bone ka fa b aka eletsang ka teng. Mme Raphane o ne gape a lela ka seemo sa poso ya motse wa bone a kaya fa ele nnye fela thata mo e bileng e sa lekane motse o motona o tshwana le wa bone. A re poso ga e sa tlhole e diretswe makwalo fela mme ditirelo tsa yone dikatolositswe fela thata di akaretsa dituelo tsa bagodi, dituelo tsa Iepelegeng, go duelwa ga makgetho a dikoloi le tse dingwe mme seemo say one ga se sa tlhole se letla go ka thusa morafe wa Mahalapye. A re le bodiredi jo bo mo go yone bo a tlhaele fela ruri mo eleng gore fa batho ba ile posong ba tlhola koo. Fa a motlatsa, motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato yo mogolwane wa Mahalapye Kgosi Duncan Segotsi o tlhalosits e fa poso eo ele kgologolo mo e bileng e sa kgoneng dipalo tse dintsi tsa batho ba motse wa gagwe. Kgosi Segotsi a re poso ya motse wa gagwe key a nako tsa ga mmamosadinyana mme ka jalo e tshwanetse go tlhabologa e tsene fela mo seemong sa dikago tsa sesha, tse di tlhabologileng e bile di tsamaelana le dipaka tsa segompieno. Mo go tse dingwe Kgosi Segotsi o ne a kopa Tona gore ba itumelela puso go bo e akantse go busetsa terana a batho o tirisong. A re mo ke maiteko fela a matona a eleng gore a tsile go baya le motse wa gagwe mo seemong se se eletsegang, ka ditlhabololo di tla a tla. Le fa go ntse jalo Kgosi o kopile gore seemo sa fa terena e palamelang teng go tshwanetse go tlhabololwa, a tlatsa ka gore maemelo a diterena mo Mahalapye a kile a bo a nale serudumo se segolo mme jaanong a phutlhame go setse matlotla fela. A re gongwe puso e ka dira sengwe ka seemo se, gore le fa batho ba emetse terena b aka itiyatia ka dijonyana kana boroko, a re o kopa gore gongwe go ka dirwa gore go kgatlhise go seka ga nna go ntsho fela jaaka go ntse mo bogompienong. Kgosi Segotsi a re wa tlhalosaganya gore puso e ntse e sokola bogolo fa go tla ka fa madding mme a kopa gore fa ditsompelo di letla seemo se se sekasekwe maemelo a diterena e nne a maemo a ntlha. E rile fa a ba kgwa dikgaba, tona Rre Mabeo a tlhalosa fa lephata la gagwe le ikaelela go tlhabololo lefatshe leno ka go tokafatso seemo sa di dirisiwa di tshwana ditsela, dipagamo ga mmogo le ditlhaeletsanyo. Rre Mabeo a re go isa ditlamelo kwa bathong go tlhokana le tsotlhe tse di ka diragang gore tiro ya teng e e tlage ka jalo ba ikaeletse go dira ka gotlhe go bona gore seemo sa dilo tsotlhe tse se a tokafala. A re ke ka moo puso e batlang go simolodisa terena ya batho go bona gore ba kgona go bona ditlamelo ka bofelo. A re terana e, e e tla a simolodisiwang fa ngwaga o fela fa go ka se nne le makgoreletsi ape e tsile go tla ka ditlhabololo fela tse dintsi bogolo jang go tlhamela banana ditiro le dikgwebo. O tlhalositse gape gore puso e ikaelela go tlhabololo kgotsa go tokafatsa tshotlhe tse di amanang le terena e, go simolola fela ka maemelo a yone go felela le ka yone, a tlatsa ka gore dilo di le dintsi di tsile go fetoga ka terena e le yone e tsile go tla e le mo seemong se se tokafaditsweng go farologana le sa pele. O kaile fa mopalami a tsile go kgotsofalela go tsamaya ka terana ka e tla a bo e tla ka seemo se sesha e bile le itshereletso mo teng ele ya maemo a ntlha. Fa a bua ka seemo sa poso ya motse wa bone, Tona Mabeo o ne a tlhalosa fa a itse mme puso e dira ka gotlhe go bona goe e tokafatse seemo se, a a fa sekai ka tiriso ya dikarata tsa dikamogelo tsa bagodi gore ba seka ba nna bantsi kwa diposong. A re seemo se, se tsile go fokotsa mosuke kana go tlhola kwa posng ga bagodi ka dipalo tse digodimo ka jaana ba tsile go ya teng fela fa ba batla madi, a kopa botlhe b aba iseng ba ikwadisetse dikarat tse go dira jalo gore battle ba akole lenaneo le. Rre mabeo fa a bua ka seemo sa ditsela, o ne a tlhalosa fa seemo sa ditsela se tsile go tokafala ka jaana lephata la gagwe le itshwaragantse le lephata la dikgaolo le ditlhabololo tsa magae go bona gore e dira ditsela tsotlhe tse di ralalang metse, ka go kaba mesima le go di gopa. A re seemo se se tsile go tokafala ka jaana e bile ba tsere tshwetso ya gore bana botlhe ba ba nang le ditirelo tsa dikonteraka e nne bone b aba fiwang ditiro tso go leka go fokotsa seemo sa letlhoko la ditiro. BOKHUTLO society 9 Makhanselara ba batla diposo di atolosiwa Makhanselara a kgaolo ya Ghanzi ba kopile mothusa mokwaledi mo lephateng la ditlhaeletsano le diposo gore go okediwe bodiredi mo diposong le gore di atolosiwe ka jaana ele tsone di neetsweng bontsi jwa ditirelo go thusa Batswana. Makhanselara ba ntshitse kopo eo mo phuthegong ya Khansele e e neng e buisiwa ke mothusa mokwaledi, Rre Delight Thebeetsile, kwa Ghanzi bosheng. Makhanselara ba re fa diposo di ka atolosiwa le bodiredi jwa okediwa, seemo sa mosuke se ka tokafala. Makhanselara ba supile fa pele ga mothusa mokwaledi fa tota ba lebogela lenaneo la nteletsa 2, ka gore le thusitse thata bontsi jwa metse mo kgaolong ya bone ka ditlhaeletsano. Ba ne ba akgola Dikitsong Centre ka tsamiso e e lolameng; mme ba supa fa mathata ele babereki ba ba sa duelweng sentle. Ba re tsamaiso ya gore babereki ba duelwe ke dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ga e a siama ka gore dikomiti tse dingwe ga di na madi a go duela babereki bao. Ba ne ba supa fa makalana a mangwe a Dikitsong Centre a phutlhame, ka babereki ba feletse ba tlogela ditiro ntateng ya gore ga ba bone dituelo tsa bone sentle. E rile mothusa mokwaledi Rre Thebeetsile a araba dilelelo tsa makhanselara, a ba tlhalosetsa fa lephata la bone le na le keletso e tona ya gore metse yotlhe e nne le ditlhaeletsano, ka gore ditlhaeletsano di botlhokwa mo matshelong a Batswana. Rre Thebeetsile a re o itse fa kwa diposong gona le mosuke o montsi; mathata ke gore ba sa ntse ba sena madi a go atolosa diposo ka lefatshe leno le sa ntse le sena madi ntateng ya kwelo tlase ya itsholeleo; a rurifatsa puo ya gagwe ka go supa fa e le ka moo go sa ntseng go emisetsweng ditlhabololo ka bontsi mo lefatsheng leno. Mothusa mokwaledi o ne a dumalana le makhanselara gore makalana a Dikitsong Centre ga a bereke sentle, ka gore a sa ntse a sena madi a ka duelang babereki. A re mme le fa go ntse jalo, ba sa ntse ba le mo thulaganyong ya go bona gore ba ka tlhabolola jang seemo seo. Rre Thebeetsile o kopile makhanselara go rotloetsa morafe wa bone go dirisa makalana a Dikitsong Centre a a mo metseng ya bone gore a tle a ba tswele mosola. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Tautona o akgola Ntlo ya Dikgosi Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama a re o itumelela seabe sa maloko a Ntlo ya Dikgosi mo ditirong tsa go tsosolosa le go boloka ngwao. E rile a bua kwa moletlong wa go bula semmuso ntlo ya ngwao kwa sekoleng se segolwane sa Sir Seretse Khama Memorial mo Gaborone, Tautona a tlhalosa fa dikgosi di supa sekai sa boeteledi pele jo bo lolameng ka jaana ba tsenya letsogo mo ditirong tsa setshaba. Tautona Khama, yo gape e leng motlhokomedi wa sekole seo, a re ntlo e e abetsweng sekole ga mmogo le didirisiwa tse dingwe tsa ngwao ke maloko a Ntlo ya Dikgosi, di tla a thusa mo go ruteng bana ba sekole ngwao ga mmogo le go ba ruta ka botho. O ne gape a tlhalosa fa dikgosi e le tsone pilara ya ngwao, ka jalo a ba akgolela seabe sa bone mo ditirong tsotlhe tse ba di dirang go thusa batho. Tautona Khama o ne a gakolola baithuti ba Sir Seretse Khama Memorial go dirisa ntlo eo ka manonthotho, go ithuta ka tsa ngwao ga mmogo le go ruta ba bangwe ka e le tsela ya go somarela le go boloka ngwao ya Setswana. Moemedi wa Ntlo ya Dikgosi yo gape eleng kgosi kgolo ya Batlokwa, Kgosi Puso, a re o bone go le matshwanedi go abela sekolo seo ntlo ka jaana go le botlhokwa thata go ruta bana ka tsa ngwao. A re sekolo sa Sir Seretse Khama se dira mo go tsamaelenang le se se batiwang ke dikgosi eleng go ruta bana maitsholo a amogelesegang ga mmogo le boitsholo jo bo eletsegang mo setshabeng. Kgosi Puso o ne a tlhalosa fa ntlo e e agilwe ka madi a tswang mo letloleng la Ntlo ya Dikgosi e le gone jaaka ba supa tswaragano ya bone le morafhe mo go rotloetseng ngwao. O ne a tlhalosa fa Ntlo ya Dikgosi e dirile ditiro di le mmalwa go thusa ba ba tlhokileng lesego. A re e ntse e le ka one madi a letlole la dikgosi, ba kgonne go dira ditiro di le tlhano jaaka go aba ntlo, dithoto le tse dingwe. Kgosi o ne a tlhalosa fa se e le maikaelelo le maiteko a go isa Ntlo ya Dikgosi kwa bathong ga mmogo le go tshwaragana le setshaba go aga lefatshe. Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekolo sa Sir Seretse Khama Memorial Mme Gloria Mankandela o ne a tlhalosa fa e le boitumelo jo bogolo go amogela Ntlo ya Dikgosi. O ne a tlhalosa fa maduo a sekole seo a itumedisa. A re ka jaana ba abetswe ntlo ya ngwao, go ya go nna motlhofo go ruta bana ka ngwao. economy_business_and_finance 3 Banni ba lela ka badirela puso Banni ba Ramokgonami ba lela ka thuso e ba e bonang mo badirela pusong bangwe e ba reng ga e a nitama e bile e a ba kgetholola. E rile ba bua kwa phuthegong ya kgotla e buisiwa ke tona wa lephata la pereko le selegae, Rre Edwin Batshu bosheng, banni ba bolela fa go le gantsi badiri ba kokelwana ya motse wa bone le ba lephata la Omang le ba ditlankana tsa matsalo kwa motseng wa Sefhare ba sa ba tseye sentle gotlhelele. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Gakeaitse Malema o tlhalositse gore badiri bao, ga ba dirisane sentle le bone mme e bile go tsaya lebaka le le leele ba sa bone thuso e e nitameng, mo godimo ga moo ba kgona go ba duedisetsa diphoso tse di dirilweng ke ofisi ya bone. O tsweletse a re ga ba ba buise sentle gape ba a sotlwa mo ba felelang ba sa itse kwa ba ka ya teng ka gonne diofisi tseo ke tsone tse ba tshwanetseng go bona thuso mo go tsone. Rre Malema o boleletse tona gore badiri ba lephata la tsa pereko ba tsaya lebaka le le leele ba sa etele badiri ba dipolase tse bontsi jwa banni bo berekang kwa go tsone mme seo se bake gore ba seka ba tsewa sentle ke bahiri ba bone. A re badiri ba dipolase ba lela ka dilo di le mmalwa di akaretsa bonno jo bo sa siamang, dituelo le dinako tsa pereko tse ba bolelang di ba beile ka fa mosing. O tlhaloseditse tona fa motse wa bone o kopa sekole se sengwe se sebotlana gonne se se teng se le mosuke fela thata ka se na le bana ba ka tshwara makgolo a le borobabongwe. Modulasetilo o tsweletse a kopela motse ditlhabololo di akaretsa matlo a badirelapuso, ofisi ya mapodise, go gokelwa motlakase wa phase three le go tshela sekontere mo tseleng ya Radisele/Mokobeng e a bolelang fa e le mo seemong se se sa siamang. Le fa go ntse jalo, Rre Malema o lebogetse lenaneo la Ipelegeng le a reng le thapile banni ba le bantsi mme e bile le tsweletse sentle fela thata. E rile banni ba mo tlatsa, Mme Sennye Kebotsang a kopa ba lephata la ditlankana go fefosa ditirelo tsa bone ka ba le bonya fela thata. Mme Kebotsang o tlhalositse gore maina a bone ga a kwalwe sentle mme fa ba a baakanya go tsaya lebaka e bile ba batliwa basupi ba bantsi go ka rurifatsa maina a bone sesha. Fa a ba kgwa kgaba, tona Batshu a kopile maitshwarelo go bo ba sa tshwarwe sentle mme a ba tlhomamisetsa fa ba lephata la gagwe ba tlaa etela kwa Sefhare mo sebakeng sa kgwedi go ya go bona gore matsapa di a tsaya kae. Rre Batshu o tlhalositse gore diofisi tsa puso di diretswe setshaba mme ka jalo se tshwanetse go tsewa sentle ka tekatekano le lorato. O tlhaloseditse banni ba motse oo ka lephata la gagwe gammogo le ka ditirelo tse di bonwang kwa go lone di akaretsa dikarata tsa Omang, ditlankana tsa matsalo, tsa dintsho le dipasa. A re ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe go nna le dibukana tsotlhe tse di botlhokwa mo matshelong a bone. O ba kopile go tlhokomela Omang fela thata ka batswakwa ba kgona go mo tsaya mme ba mo dirise go ka akola meamuso le mananeo a lefatshe leno. Bokhutlo politics 7 Ba Dutlwe ba maoto a tshupa go tsena diphuthego Kgosi ya Dutlwe mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Kgosi Motshegetsi Puleng o supile fa a sa itumedisewe ke go tlhoka go tsibogela diphuthego tsa kgotla ke morafe. Kgosi Puleng o ne a bua se mo potsolotsong bosheng. O boletse fa kwa kgotleng e le gone kwa go buelwang dikgang di akaretsa ditlhabololo tsa motse le matshwenyego otlhe a banni, a bolela fa mowa o mo tshwenya fela thata ka go lebega o gola mme ebile a tshogela le gore se e tlaa tla go nna thuto e e maswe mo baneng. O kopile gore go itsosiwe ka jaana go tlhabologa le go tswelelapele ga motse wa Dutlwe go le mo maruding a beng gae mme ebile go se ope osele yo a ka tswang kwa ntle go tla go ba direla. Mo go tse dingwe, Kgosi Puleng o ne a ne a lela ka tlhaelo ya ofisi mo kgotleng ya gagwe, a bolela fa mo nakong eno ba patelesega go direla mo sekhuruntlhwaneng sa kamore tse pedi, e le ene, mokwaledi wa gagwe, mapodisi a matlhano, bana ba Tirelo setshaba ga mmogo le gone gore go bewa le didirisiwa tse e leng disupiwa mo go yone kotoisi e mo jaanong le botsogo jwa bone bo setseng bo le mo diphatseng tsa go gobadiwa ke dingwe disupiwa. O ne gape a supa ngongora mabapi le sebaka se se leele se se tsewana ke puso go emisetsa bodiredi jo hudusitsweng ka tiro kwa motsing oo, a fa sekai ka mokgweetsi wa koloi ya kgotla mo motsing oo yo a saleng a huduswa mme le jaana a ise a emisediwe mme ka jalo seo se ba pateletsa go jaka mokgweetsi kwa bokgakaleng jwa Tsetseng, kgang e e ba berekisang bokete go menaganye ka ba nna ba saletse morago mo go direng tiro. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Kebobeile Lekgowe ene o ne a bolelela BOPA fa ditlhabololo mo motsing wa Dutlwe di tsamaya sentle le gore mananeo otlhe a ba neng ba a abetswe go a dira ka lenaneo la Ipelegeng ba a weditse. O boletse fa a itumelela tirisanyo mmogo e e teng magareng ga dikomiti tse dingwe mo motsing le komiti ya VDC le morafe wa motse ka kakaretso, a tlatsa ka gore le go tswa kwa sekolong se se botlana sa motse go na le tshwaragano e ntle ka mogokgo a aga a ba lekodisa ka tse di ba tshwenyang mme ba kopanye ditlhogo go tswa ka tharabololo ba le mmogo. Modulasetilo Lekgowe fela o ne a lela ka tlhaelo ya maroko a bodiredi bongwe mo motsing bo akaretsa baoki, molemisi le ba boipelego mmogo le yone tlhaelo ya diofisi tse bodiredi joo bo direlang mo go tsone. Lefa go ntse jalo o ne a bolela fa komiti ya gagwe e na le kago ya ntlo ya dikamore tse tlhano e ba kopang puso go e hirisetsa bodiredi jo bo tlhokang joo go tokafatsa seemo. Mme Lekgowe o ne a supa selelo sa go tlhoka go duelwa sentle ke bangwe ba batho ba ba hirisitseng matlo a komiti ya VDC, a supa fa mo nakong eno komiti ya gagwe e kolotwa madi a a fetang P6000 mme ba kile ba isa boikuelo kwa lekgotleng go thusiwa. BOKHUTLO politics 7 Baruti ba itlama go anamisa molaetsa wa Corona Moruti Tlholego Keboifile wa kereke ya Holiness Union e bile e le modulasetilo wa lekgotla la baruti kwa Selebi Phikwe a re mogare wa corona o amile ditirelo tsa dikereke, ka jalo se se tlhoka gore dikereke di eme ba botsogo nokeng go ritibatsa seemo. Mo potsolosong le BOPA bosheng mabapi le tlhagogo ya mogare wa corona, Moruti Keboifile a re baruti ba na le seabe se setona mo go thuseng puso go tsamaisa ditiro tsa yone tsa tsatsi le letsatsi. O ne a tlhalosa fa mogare wa corona e le leroborobo le le tlhasetseng lefatshe ka bophara mme go tlhoka tshwaragano le tirisano mmogo e e kwa godimo go setswe ditaelo tsa botsogo morago. Moruti Keboifile a re go tsibogela seo e ne ya re mo bekeng e e fetileng lekgotla la baruti la kopana, maikaelelo e le go tsibogela ditaelo tsa ba botsogo go bona gore ba ka gorosa melaetsa jang kwa diphuthegong tsa bone. O ne a supa fa kgang kgolo ya kereke e le tumelo e e bakang kokoano ya batho kwa ba neelanang dikgothatso teng mme kwa ntle ga seo e ka seke se kgonagale. E rile a itebaganya le paseka a supa fa e le nako e ba kopanang ka yone go ntshafatsa ditsamaiso tsa kereke. O ne a supa fa kereke e ikaegile ka meneelo le di-tsa bosome mme tseo tsotlhe di dirwa kwa kerekeng, a supa fa se le sone se baya dikereke ka fa mosing ka go sena kwa di tlaa bonang madi teng. A re le fa go ntse jalo ba setse ba tlosolositse bontsi jwa ditirelo. Yo mongwe moruti wa Bible Life Ministries Bishop Godwin Samuel o ne a supa fa le bone ba ipapanne go gasa molaetsa wa corona. Bishop Samuel o supile fa ba ne ba laletsa ba lephata la botsogo makgetho a le mabedi go tla go ruta phuthego ka mogare oo le ka fa ba tshwanetseng go itlhokomela ka teng. O ne a supa fa ditshwetso dingwe tse di tserweng ke puso di le bokete jaaka e e amang dintsho, a supa fa e le nako e go a bong go le thata mme ba ba tlhokafaletsweng ba tlhoka go gomodiwa. Le fa go ntse jalo o supile fa go sena se se ka dirwang ka bolwetse jone bo tshwanelwa ke go lwantshiwa. Mo mafokong a gagwe a bofelo Bishop Samuel o ne a kgothatsa setshaba go emisa go etela kwa mafelong a a amegileng le go fokotsa metsamao e e seng botlhokwa. Moruti Gagobotswe Marumo wa Jerusalem Zion Church a re le bone ba semeletse ka go anamisa molaetsa mo setshabeng ka mogare wa corona. Moruti Marumo a re ba bone go le botlhokwa go tsamaya ba ruta batho ka mogare, bogolo jang mo mafelong a a ngokang batho ba bantsi jaaka marekisetso a bojalwa. O ne a kgala dikereke tse di santseng di ganeletse mo ngwaong ya segololgolo, a supa fa ba tshwanetse go emisa go dira jalo ka dipaka di fetogile le malwetse a le mantsi. Le fa go ntse jalo, e ne ya re mo malatsing a a fetileng puso ya ntsha melaetsa mabapi le mogare wa corona go tsibosa setshaba ka fa ba tshwanetseng go itshwara ka teng. Molaetsa mogolo wa ba botsogo ke go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa ka metsi a a nang le molora le go fokotsa mesepele ka seo se tsamaisa mogare ka bofefo. society 9 Ikwadiso ya ba lekwalo la ntlha e simolotse Batsadi ba kgothaditswe go tla ka ditlankana tsa bana tsa matsalo go ba kwadisetsa lekwalo la ntlha. E rile a bua mo phuthegong ya batsadi le barutabana, mogokgo wa sekole se sebotlana sa Kelekele kwa Gumare, Rre Mosobotwane Sephatonyane a re ba tla a kwadisa bana ba ba tshotsweng go ema ka kgwedi ya Seetebosigo ka ngwaga wa 2009 fela. O tsweletse a tlhalosa fa bana ba ba tla a simolola dithuto ka kgwedi ya Phalane fa bana ba lokwalo la bosupa ba fetsa go kwala ditlhatlhobo tsa bone. Morutabana, Mme Edith Pule o kopile batsadi go apesa bana diaparo tse di bothitho e bile di le phepha gape di tsamaelana le mmala wa paka ya sekole. Mme Pule o tlhalositse gape fa go le botlhokwa go tlhapisa bana a re go thibela leswe le le ka bakang malwetsi. O tsweletse a kopa batsadi go jesa bana mo mosong pele ba tla sekoleng go fokotsa tlala e e ka dirang gore bana ba se tlhwae tsebe mo dithutong, a bolela fa gape go na le letlhoko la dijo mo sekoleng seo. E rile a ntsha la gagwe, modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Mosobotwane Tuelo a kgalela borre go goga dinao mo go tseyeng karolo mo dithutong tsa bana ba bone jaaka ba sa tsenelele diphuthego mo sekoleng. O kgothaditse borre go ema ka dinao ka go tshwaragana le bomme le barutabana go tlhabolola thuto ya bana ba bone. Mongwe wa batsadi, Mme Obusitswe Sarefo o kopile batsadi go tshwaragana le barutabana go netefatsa gore ba tsena sekole sentle. A re bana ba bangwe ba sekole seo ba ya kwa molapong dithuto di ntse di tsweletse, kwa ba fetang ba palama ditonki tsa batho mme a re se, se diga maduo a dithuto fela thata. O kopile batsadi go thusa bana tiro e ba e fiwang go ya go e direla kwa malwapeng. Motshwara madi wa komiti eo, Mme Onkabetse Oagile ene o kopile batsadi go ntsha madi a ditlhabololo e le tsela ya go thusa puso. Bokhutlo education 4 Tona o abelana kitso le ba Mokubilo Tona wa pereko le selegae yo gape e leng mopalamente wa Nkange, Rre Edwin Batshu o kgothaditse banni ba Mokubilo mo kgaolong ya Boteti go obamela melao ya lefatshe la Botswana, a re ba kwadise dintsho le matsalo, ga mmogo le go kwadisa bana ba ba dingwaga tse di lesome le borataro go ba direla karata ya itshupo ya Omang. Tona o ntshitse kgothatso e fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo, a re go kwadisa dintsho le matsalo go botlhokwa ka jaana go thusa puso go dira ditoga maano le ditlhabolo. Are matsalo a tshwanetse a kwadisiwa pele ga malatsi a le masome a marataro morago ga tsholo ya ngwana, fa dintsho di kwadisiwa pele ga malatsi a le masome a mararo a wela morago ga loso. Rre Batshu a re Omang o thusa motho go bona ditlamelo ka go farologana motlhofo, a re motho fa a sena Karata ya Omang ga a kgone go bona ditlamelo, a re ke molato go tlhoka go kwadisetsa ngwana Omang ka nako e e beilweng. O bile a kopa gore bagolo ba ba senang Omang ba thusiwe ke ba ba ba itseng le dikgosi go ba supela gore ba direlwe Omang. Mo go tse dingwe tona o supile fa ba tshwengwa ke batswakwa ba ba nyalang bomme mono ka maikaelelo a gore ba kgone go bona boagedi, mme morago ba ba phuaganye ka go ba tlhala ba bo ba sa kgaogane le bone dithoto tsa bone. Tona a re o tshwenngwa gape ke Batswana ba ba santseng ba hira batswakwa ba ba senang diteseletso, mme a ba tlhalosetsa gore ke molato go dira jalo. Tona Batshu a re mohiri le mmereki ba a tlhokana ka jalo ba tshwanetse ba dirisana sentle ka boammaaruri. O supile fa go na le batho ba ba hirang badisa ba bo ba sa ba duele sentle. O tlhalositse gore madi a a duelwang badisa e ka nna P583, mme a re o ka dirisa 40% ya one go ba rekela dijo, a bo a re go sotla modisa o sa mo duele ke molato. A re mafatshe a tshwentswe ke go thupiwa kana go rekisiwa ga batho segolo jang bana ka jalo a re ba ikemiseditse go thibela borukutlhi jwa mothale oo. Rre Batshu a re go molemo gore batho fa ba tshela mmogo ba nyalane, a re fa ba sa nyalana mongwe wa bone fa a tlhokafala yo o setseng gammogo le bana ba rontshiwa dilo tsa bone ke ba masika a yo o tlhokafetseng. O ba gakolotse go sola molemo lenaneo la Re-A-Nyalana. Tona o ne a ba lekodisa ka molao wa dikereke, a re kereke ga se ya motho ke ya maloko a tswelela a re puso e dumelane gore kereke e kwadisiwe ka maloko a le lekgolo le masome a matlhano (150) a re seemo se, se ama dikereke tse disha e seng tse di ntseng di le teng. Tona o ne a ba kopa gore fa ba bitsa bana maina ba ba bitse maina a ba tlaa a ratang le fa ba gola, a tlhalosa gore thulaganyo ya go fetola maina e tsaya sebaka se se leele. E rile a amogela tona, Kgosi Botshabelo Dijeng wa Mokubilo a re go botlhokwa gore bo tona ba ne ba etela metse kgapetsakgapetsa go tla go utlwa matshwenyego a batho ba dikgaolo tsa bone. Banni ba ne ba supa fa ba itumeletse dithuto tse tona a di ba beileng pele ba re ba ithutile go le gontsi segolo jang ka phiro ya badisa. E rile a ba araba tona a re fa motho a nyetse mme wa motswakwa o fiwa teseletso ya dingwaga tse tlhano morago ke gone ba ka mo neelang boagedi, mme fela fa motho sena teseletso ke borukutlhi. Tona o ne a lebogela banni ba Mokubilo go bo ba ne ba tsile ka bontsi, mme a ba kgothatsa go tswelela ba dira jalo le go tlotla kgosi ya bone. Mopalamente wa kgaolo ya Boteti Botlhaba Rre Sethomo Lelatisitswe o ne a leboga tona go bo a ba lekotse, a re batho ba kgaolo ya gagwe ba tlhoka dikgang tse a tsileng ka tsone. A re o solofela gore ba tlaa tsaya dithuto tsa teng tsia. O ne a kopa tona gore ba atumetse ditlamelo tsa go kwadisa dikhamphane mo kgaolong ya Boteti. politics 7 Ba gakololwa go itshokela dikgwetlho Mothusa Modulasetilo wa kgaolo ya Bokone Bophirima Rre Lathang Molonda o gwetlhile bagwebi ba ba thusitsweng ka mananeo a puso jaaka nyeletso lehuma go dira ka thata gore a ba tswele mosola. Rre Molonda o buile jalo mo phuthego e e neng e tshwerwe kwa Shorobe go lekola ba ba abetsweng mananeo bosheng. O supile fa mo diphuthegong tse ba di tshwereng go le pele ba lemogile fa bangwe ba tswa ka methale ya go fenya dikgwetlho mme bangwe ba ineela fa ba kopana le diemo. Rre Molonda ka jalo o ne a ba gwetlha go tswa ka maele a go fenya dikgwetho, a re maikaelelo a puso ka mananeo ao ke go bona ba dule mo lehumeng le nta e tshetlha. O ne gape a gwetlha boeteledipele jwa kgaolo jaaka bokgosi, ba komiti ya ditlhabololo le tsa bodirala puso go tshwaragana go lekola gore a mananeo ao a tsamaya sentle le go fa bogakolodi gore dikgwebo tseo di seka tsa phutlhama. Fa a ba amogela, Kgosi Gaditshwane Mmutle wa Shorobe o ne a re maneo a tsamaya sentle mo motseng oo, bogolo jang la ba ba filweng dipodi. Le fa go ntse jalo, Rre Mmuntle o ne a re ba ba filweng lenaneo la merogo bone ba tlhokile lesego ka dikgwebo di phutlhame ka ntlha ya letlhoko la metsi le ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa metsi tse di neng di babalela bagwebi ba ba botlana. Mongwe wa baikopedi, Mme Letlhogile Sasa o ne a supa fa dipodi tse a di filweng ka 2015 di le lesome le bongwe ka phoko di atile e bile di le lesome le botlhano le dipotsane tse di lesome mo nakong ya gompieno. Le fa go ntse jalo mme Sasa o ne a supa fa a tshwenngwa ke bogodu jwa leruo, dintsa tse di jang dipodi le go bo leruo la gagwe le tssla botonanyana thata. Mme Godirilwemang Enele wa lenaneo la tante o ne o a re kgwebo eo ga e mmusetse mo go nametsang, a re mabaka ke gore ga ba a fiwa didirisiwa dingwe tse di batlwang ke baji-bareki. Mme Masasa yo o abetsweng lenaneo la go apaya borotho ene o ne a re o akotse lenaneo leo, a tlatsa ka go re o kgonne go aga ntlo ya dikamore tse pedi e bile o kgona go boloka bontlha bongwe. Morulaganyi wa Nyeletso lehuma wa kgaolo ya Maun Rre Keeme Mokgadi o ne a rotloetsa ba dikgwebo tsa leruo gore ba tsenye leitlho mo dikgwebong tsa bone gore ba kgone go lemoga fa di na le mathata. Rre Mokgadi o ne a gakolola ba ba nang le dikgwebo go tshwaragana go nna seopo sengwe gore ba thusane maano a go ipapatsa le go fenya dikgwetlho. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Moalo o ka thusa go fefosa ditlhabololo Modulasetilo wa Khansele ya Kweneng, Rre Jeffery Sibisibi a re ba solofetse fa go wediwa ga moalo wa ditlhabololo tsa Molepolole go tla thusa go tlisa tharabololo ka tiego ya seemo sa ditlhabololo. Modulasetilo Sibisibi o tlhalositse seno kwa phuthegong ya kgotla kwa kgaolwaneng ya Mankgwenyane mo Molepolole Bokone bosheng a tlhalosa fa khansele e thapile kompone ya bomaitseanape ya Mosienyane & Partners go ba direla setshwantsho tsa moalo go goboka ditlhabololo di akaretsa ditsela, mesele ya kgopo ya metsi a a leswe magareng ga tse dingwe. O ne a supa fa mo nakong eno khansele e santse emetse lephata la dikgaolo le tlhabololo magae go rurifatsa le go fa dikgakololo ka fa ba eletsang selebego sa ditlhabololo tsa Molepolole se ka nna ka teng. O tlhalosa fa tiego eo, e tlaa nama e kgoreleditse go dirwa ga ditiro dingwe tsa ditlhabolo ka jaana di tlhoka go akarediwa mo thulaganyong ya moalo jaaka bone e le khansele ba ntse ba dira. O bile a tlhalosetsa banni ba Mankgwenyane fa e tlaa re mo ngwageng ono wa madi wa 2018/19 kgaolwana ya bone e amogele ditlhabololo di akaretsa go alwa ga ditena ga tsela ya Education Centre-Phalaborwa ka madi a P600 000. O ne a tswelela a supa fa dikole tse dipotlana tsa Kealeboga le Bakwena National di ntsheditswe P250 000 go thusa mo kagong ya matlwana a badisa dikago, fa leobo la kgotla ya Lesunyana lone le tlaa agwa ka P300 000. Dingwe tsa ditiro tse modulasetilo a lekodisitseng morafe ka tsone ke tsa go simolodisa kgokelo ya dipone tsa mo mekgwatheng tse a tlhalositseng fa di tlaa thusa go fokotsa lefifi le seemo sa borukuthli. A re dipone tse, di itshupile fa di le botoka ka le le lengwe le kgona go bonesa sekgala sa dimmithara tse di makgolo matlhano. O rotloeditse banni ba kgaolwana ya Mankgwenyane, segolo jang banana go tsibogela go tsenya dikopo tsa ditiro tse tsa ditlhabololo ka jaana e le maikaelelo a khansele go di abela banni ba kgaolo. BOKHUTLO politics 7 Poko ya setswana letlotlo la setshaba Mothusa tautona wa pele, Dr Ponatshego Kedikilwe o kopile batswana go tshegetsa ngwao. Rre Kedikilwe o buile jalo kwa moletlong wa kabo dietsele wa baboki ba Setswana e e neng e tshwerwe ko sekoleng se segolwane sa Limkokwing bosheng. O tlhalositse fa poko go le gantsi e kgatlha batho, e bile e le mantswe a a monate. O buile jalo gore go le gantsi potso e batho ba e ipotsang ke gore mme gone puo e simologile kae gore go bo go na le puo le gone gore kwa tshimologong ba ne ba bua jang. O supile fa poko e tswa mo puong, e yone re sa itseng gore e tlhamilwe ke mang leng, a re mme le fa go ntse jalo, monate wa poko ke gore mmoki o kgona go bua mafoko a mongwe le mongwe a ka sekang a letlelelwa go a bua. “Re kopanetse kwano gompieno go dira boswa mo baneng ba rona, re itumela re bo re itumedisa dikokomane tsa rona, fa ba ntse ba tsaya botsipa, mo batsading ba bone fa ba supa fa poko ele boswa jwa sennela ruri,” a tlhalosa. O ile are go a itumedisa gore go bo go dirilwe maitiso a go nna jaana, go abiwa dietsele, go lemoga bogaka, go neelanwa dikitso, botlhale, a tlatsa ka gore ke tsone dintlha tse di supang fa re le setshaba se se nang le dikitso. “Ke na le tumelo e e tletseng gore ngwao ya rona e re neela boipelo le kgolagano re le Batswana,” a tlhalosa. Fa a ntsha la gagwe, mothusa tona wa lephata la thuto, Rre Moiseraele Goya, o supile fa poko e ka tokafatsa seemo sa thuto mo lefatsheng. “Ke na le tumelo e e tletseng ya gore fa re ka bula dikgoro tsa rona tsa dikole, ra letlelela poko go rutiwa mo dikoleng tsa rona e ka sega tema, e bile ya tswa mosola, go thusa le go tokafatsa seemo sa maduo mo dikoleng tsa rona,” a tlhalosa. O supile fa a lebogela thulaganyo ya moletlo wa dietsele . “Maikaelelo a rona ke gore poko e seka ya nyelela ka monokela, le gone gore e seka ya tswa ka diphatlha tsa menwana, bagologolo ba kile ba bua jalo gore e a re go tlogelwa tsatsing se ikise meriting, ka yone thulaganyo e, re bona poko ekare e a nyelela, jaanong mme re ne re re a re ikiseng,” a bua jalo. arts_culture_entertainment_and_media 0 Ramaeba o nwa mananeo moro Mme Keatametse Ramaeba wa Kalamare mo kgaolong-potlana ya Mahalapye ke mongwe wa Batswana ba ba tsweletseng ka go akola maduo a lenaneo la go fepa badiri ba ipelegeng le bana ba sekole ka dijo. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Ramaeba o boletse fa a tsentse kopo ya go apeela badiri ba ipelegeng ka ngwaga wa 2012 mme a atlega. O boletse fa a ne a simolola go ikagela ntlo ya dikamore tse pedi ka dipoelo tse a neng a di bona fa a apeela badiri ba ipelegeng. A re o ne a tsenya kopo ya go apeela bana ba sekole se sebotlana sa Kalamare ka ngwaga wa 2013 mme a atlega, dikatso tse a di boneng a apeela bana ba sekole o boletse fa a ne a di dirisa go feleletsa ntlo ya gagwe. Mme Ramaeba o boletse fa a ne a iteka lesego gape monongwaga a ikopela go apeela badiri ba ipelegeng mme a atlega gape, o tlhalositse fa a simolotse go apeela badiri ba ipelegeng mo kgweding ya Phalane. O tlhalositse fa a fepa badiri ba ipelegeng ka borotho le senotsididi ka Mosupologo, Laboraro le Labone, mme a ba fepe ka setampa se se tlhakaneng le dinawa ka Labobedi le Labotlhano. Mme Ramaeba o tlhalositse fa go le botlhokwa gore moapei a ye go itlhatlhobela malwetse a a tshelanwang go itsa go baya botsogo jwa batho ba a ba apeelang mo diphatseng. O ne gape a tlhalosa gore moapei o tshwanetse go nna phepa ka go nna a kgaotse dinala, a sa itshase ditlolo mo sefatlhegong gape a nna a rwele tukwi kana tlhoro mo thogong. O kaile fa a tlaa dirisa dikatso tse a tlaa di bonang go dila lelwapa la gagwe le go ikagela ntwana ya boiteketso. BOKHUTLO society 9 Mapodisi a tlhotlhomisa polao Mapodise a Letlhakane a tshegeditse monna yo o dingwaga tse di lesome le boferabongwe, go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le leso la monna yo o dingwa tse di masome a mabedi le boraro. Mogolwane wa mapodisi a Letlhakane, Assistant Superintendent Albert Foda, a re tiragalo eo e diragetse ka nako ya boferabobedi bosigo, kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le bongwe kwa masimong a sedibana gaufi motse wa Mosu. Superitendent Foda a re mmelaelwa o ne a tlhaba moswi ka sengwe se se bogale morago ga gore ba tlhoke kutlwisisano fa ba ne ba le kwa maitisong a dino. A re setopo sa moswi se ko mmoshareng wa sepatela sa Letlhakane go tlhatlhobiwa ke dingaka. Superitendent Foda a re o kgothatsa setshaba go ikgapha mo dintweng le gore fa ba tlhokile kutlwisisano ba begela maposi go na le go itseela molao mo matsogong. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Matlo a barutabana a lorile Barutabana ba le babedi ba sekolo se segolwane sa Ghanzi ba dule ba itshophere morago ga go re matlo a bone a jewe ke molelo ka Matlhatso. Mookamela mapodisi a Ghanzi, Superintendent Modiro Lekone, o tlhomamisitse fa matlo ao a ne a sha a bo a lora, ka jalo ga go sa ntshiwa mo mo go one. Supt Lekone o boletse fa mo ntlong e nngwe, molelo o bakile tsenyo ya dilwana tse di ka lopang madi a a fetang P70 000 fa mo ntlong ya bobedi molelo o bakile tshenyo ya dilwana tse di fetang P60 000. A re tiragalo eo e diragetse ka nako ya boferabobedi bosigo jwa Matlhatso fa ntlo e nngwe e ne e na le bana ba mawelana le mogoloabone fa e nngwe e ne e na le mosadi. A re ka lesego botlhe ba falotse ba sa bona dikgobalo. Supt Lekone a re molelo o ne wa lemogiwa ke mme mongwe yo o nnang go bapa le matlo ao mme a begela mapodisi. A re ba dirisana le khamphane ya motlakase ya Botswana Power Corporation (BPC) go seka seka se se ka tswang se bakile molelo oo fa ba lephata la dikago bone ba thusa go tlhotlhomisa go re molelo o katswa o bakile tshenyo ee kana kang mo dikagong. Mo dikgannyeng tse dingwe, Supt Lekone a re ka Matlhatso ka nako ya boraro mo maitseboeng, mosetsana wa dingwaga tse di lesome le boferabongwe wa kgotlana ya Kabakae kwa Ghanzi o ne a thulwa ke koloi ya modiro wa Toyota Hilux mme a robega leoto la molema. A re mosetsana yoo o ne a ragosediwa kwa kokelong e potlana ya Ghanzi kwa a neng a robadiwa teng. O tlhalositse fa mosetsana yoo a ne kgabaganya tsela fa a tlaa thulwa ke koloi. Supt Lekone a re mokgweetsi o tlaa lebisiwa melato e meraro ya go kgweetsa a nole, a sena teseletso le go kgweetsa ka bofafalele. A re mokgweetsi, yo o dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa, o santse tshegeditswe ke mapodisi mme a tlaa ipega kwa lekgotleng ka Motsheganong a le masome a mabedi le bosupa. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Khansele potlana ya Tsabong e tsweletse ka tshekatsheko Khansele potlana ya Tsabong e tsweletse ka go sekaseka banni ba metse e e le masome mabedi le boraro mabapi le letlhoko la dijo. Mokwaledi mogolo wa khansele, Rre Jimmy Mackenzie, o tlhalositse mo potsolotsong fa bontsi jwa batho ba kgaolo eo ba le dikobo dikhutshwane, mme ba bangwe e le ba ba itshetsang ka go iphataphatela, ka jalo khansele e tshwanelwa ke go potlakela go thusa ba ba tlhaelelwang ke dijo. Rre Mackenzie o supile fa badiri ba boipelego ba le masome a mabedi le boferabongwe go akareditswe le ba le lesome le boferabobedi ba ba thapilweng ka nakwana, ba tsamaya ntlo le ntlwana. Rre Mackenzie a re khansele e setse e thusitse batho ka dijo tsa P600 lelwapa le le lengwe, mme dijo di kgona go okediwa go lebeletswe seemo le bontsi jwa batho ba ba nnang mo lwapeng. O supile fa beng ba mabentlele a dijo, dimausu le dibuchara ba tlaa bona sengwe ka jaana khansele e ba thapile go thusa batho ka dijo kwa metseng e ba leng kwa go yone, go tlhofofaletsa khansele tiro le go tlhomamisa go kganela kanamo ya mogare wa corona ka go isetsa Batswana dijo kwa malwapeng. Rre Mackenzie a re malwapa a go fitlhetsweng a tlhaelelwa ke bonno a ne a thusiwa ka ditante. O supile fa ba tlhaelelwa ke dikoloi ka jaana seemo se patika gore go seka ga sukaganwa mo dikoloing. O kopile banni go dirisana sentle le ba boipelego a re ba arabe dipotso ka boammaruri. A re khansele e ipaakanyeditse go tswa ka ditharabololo tse setshaba se tlaabong se ngongorega ka tsone mabapi le ka fa go tswanentseng go thusiwa batho ka teng. O kopile banni go nna mo malwapeng go letla ba boipelego go dira tiro jaaka fa go tshwanetse. BOKHUTLO society 9 Paakanyetso ditlhopho e tsweletse E re ka ditlhopho tsa setshaba tsa lefatshe la Botswana di tlaa tshwarwa ngwaga o o tlang ka kgwedi ya Phalane, ba ofisi ya ditlhopho kwa kgaolong ya Mahalapye bophirima ba bolela fa ba tshwere ka mashetla go baakanyetsa ditlhopho tseo. Mogolwane wa lekgotla le le ikemetseng la ditlhopho mo kgaolong ya Mahalapye Bophirima, Rre Peter Mahlakata, o kaa fa ba tsweletse le go tsenya diphuthego mo dikgaolong tsa Shoshong le Mahalapye Bophirima go lekodisa dikgosi, baruti ba dikereke le banana ba ba diragatsi ka ikwadisetso ditlhopho tse di tlang tsa 2014. Rre Mahlakata o boletse mo potsolotsong gore maikaelelo a diphuthego tseo ke go rotloetsa dikgosi, baeteledipele ba dikereke le mapolotiki go kgothatsa Batswana go ikwadisetsa ditlhopho tse di tlang ka bontsi. A re badiri ba lekgotla la ditlhopho le ba ofisi ya Omang ba tlaa tsamaya le metse ya kgaolo ya Shoshong le Mahalapye Bophirima go tlhalosetsa setshaba ka tshimologo ya ikwadisetso ditlhopho le go shafatsa dikarata tsa bone tsa Omang gore e re ikwadisetso ditlhopho e e tlaa tshwarwang ka kgwedi ya Phalane e tlhola gane go tsena e le 27 mono-ngwaga dikarata tsa bone di bo di le mo tirisong. Rre Mahlakata o tlhaloseditse ba BOPA fa ba setse ba simolotse go amogela maina a banana ba ba ikopetseng go ya go kwadisa batho fa ikwadisetso ditlhopho e simolola. A re e re ntswa dikgaolo tseo ka bobedi di sa amiwa ke lekgotla le le neng sekaseka kgaoganyo ya dikgaolo tsa botlhophi tsa bopalamente, gone batho ba motse wa Tewane, Meraka ya Mmadipheretlha le ba masimo a Patikwane jaanong ba hudusitswe mo kgaolong ya Shoshong go tsena mo kgaolong ya Mahalapye Bophirima fa batho ba motse wa Dibete bone ba hudusitswe mo kgaolong ya Mahalapye botlhaba go tsena mo go ya Shoshong. Rre Mahlakata o tlhalositse fa dingwe tsa dikgaolwana tsa bokhanselara tse di amegileng e le ya Herero e jaanong e fetotsweng leina go nna Mahalapye Central gammogo le ya Dilaene e e neetsweng batlhophi bangwe ba ba neng ba ntse ba wela mo kgaolwaneng ya Herero. Bokhutlo politics 7 Dipalamo ta setshaba ga di a babalesega Bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba ba rotloediwa go supa boikarabelo le botho fa ba dirisanya le setshaba. Se se builwe ke mogolwane mo lephateng la ditsela le dipalamo, Rre Bokhutlo Modukanele fa a ne a bula semmuso letsatsi la pitso ya beng ba dikgwebo tsa dipalamo tsa setshaba le le neng le tshwerwe kwa Palapye bosheng. Rre Modukanele a re nako e tsile ya gore beng ba dikgwebo tsa setshaba ba tlhabolole ka fa ba tsamaisang kgwebo ka teng gore ba busetse seriti le serodumo sa dipalamo tsa setshaba. A re Batswana ba kile ba bo ba tshepha dipalamo tsa setshaba ka gore di ne di sireletsegile e bile di kgweediwa ke batho ba ba neng ba na le boikarabelo. A re setshaba ga se sa tlhole se na le tshepho mo dikoloing tsa setshaba ntateng ya pabalesego e e ileng kwa tlase le setho sa babereki ba dikoloi tsa setshaba. A re dikoloi tsa setshaba, bogolo jang dibese, di tsweletse ka go amega mo dikotsing tsa tsela, a tlhalosa fa dikotsi tse di bakwa thata ke go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng, go itlhokomolosa matshwao a tsela le go iphetisa dinotagi. A re go utlwisa botlhoko gore dipagamo tsa setshaba di bo di tsweletse ka go gapa matshelo a batho, a re se se bakile gore batho ba tlhoke tshepho mo go tsone. A re fa beng ba dikgwebo tse ba ka seke ba tsibogele seemo se, kgabagare Batswana ba tlaa bo ba sa tlhole ba palama dikoloi tsa setshaba ba ikanya dikoloi tsa bone kgotsa go kopa sepalamo mo dikoloing tsa batho tse di itsegeng ka leina la mechoba. Rre Modukanele o lebogetse mogopolo wa beng ba dikgwebo tsa dikoloi tsa setshaba o mo go one ba tlaa direlang babereki ba bone maina a a tlaa kokomediwang mo diaparong e bile go supa leina la khamphani e a e berekelang. A re e le ba lephata la ditsela le dipalamo ba lebogetse mogopolo o o dumalanweng ke beng ba dikgwebo tse gore Batswana ba kgone go itse maina a bakgweetsi le baduedisi, bogolo jang fa ba na le dingongorego. A re molao o o tlaa akaretsa dipagamo tsotlhe tsa setshaba le tse dinnye tse di sa tsamaeleng kgakala. A re puso e eletsa gore Batswana ba dirise dipagamo tsa setshaba gore ba goroge ba babalesegile. A re se se ka kgonega fa beng ba dikgwebo tsa dipagamo tsa setshaba ba ka itshekatsheka mme ba fetola ka fa ba tshwarang bapagami ka teng le ka fa ba kgweetsang ka teng. A re fa ba ka ikopanya ba dira mokgatlho go ka ba thusa go tla ka melawana e e tsamaisang dikgwebo tse le go kgalemela ba ba sa direng dilo sentle. A re mapodisi le babereki ba lephata la gagwe ba ka dira gotlhe mo ba ka go kgonang mme fela tiro e ntsi e mo maruding a beng ba dikgwebo tse go ipopa le go itsamaisa sentle. A re o emetse nako e beng ba dikgwebo tse ba tlaa mmitsang gore a tle go bona ka fa ba fetotseng dilo ka teng. Rre Modukanele a re dingwe dikoloi tsa setshaba di mo maemong a a sa siamang a a isang boleng jwa pabalesego kwa tlase. A re fa dipula di na, dingwe tsa dikoloi tsa setshaba di tsenya metsi a mantsi a a felelang a senya dithoto tsa bapalami. A re dingwe di leswe ga di phepafadiwe. A re se se kgobang marapo ke gore beng ba dikgwebo tsa dipalamo tsa setshaba ba fa babereki ba puso pipamolomo gore ba rurifatse gore dikoloi tsa bone di siametse tsela. BOKHUTLO society 9 Mapodisi a tlhotlhomisa leso la monna kwa Moshupa Mapodisi a tlhotlhomisa leso la monna wa dingwaga tse di masome a mararo, yo a neng a thulwa ke koloi fa maemelong a dikoloi a Nkaikela kwa Moshupa bosheng. Mothusa mookamela mapodisi a Moshupa, Assistant Superintendent Goitsemang Sekgabo, a re moswi o ne a na le ditsala tsa gagwe. A re ba ne ba tswa lenyalong mme koloi e e bakileng kotsi, ya Honda Fit e e botala jwa loapi e ne ya seka ya ema morago ga tiragalo. O bolela fa koloi eo, e ne ya thula banna ba le babedi mme ba ragosediwa kwa kokelwaneng ya Mmaseetsele fa yo tlhokafetseng a ne a fetisediwa kwa Marina kwa a tlhokafaletseng teng moragonyana. Rre Sekgabo o kopile setshaba go ba thusa go tshwara modira molato a re mo nakong eno ga ba ise ba tshware ope mabapi le kotsi. E ntse e le kwa Moshuapa, basimane ba le barataro ba itshupile fa pele ga lekgotla ka Mosupologo mme ba tlaa itshupa gape kgwedi ya Seetebosigo e le lesome ka go lebisitswe melato ya go thuba le go utswa e robabongwe. Rre Sekgabo a re basimane ba, ba ne ba itshupile fa pele ga mosekisi, Mme Bame Ngaka. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Sekole sa Orapa se itlhoma kwa pele Sekole se segolwane sa Orapa se akgoletswe go dira sentle mo ditlhatlhobong tsa Junior Certificate, ka go gapa maemo a ntlha lefatshe ka bophara, dingwaga tse tharo di tlhomagana. Kakgolo e e ntshitswe ke mookamedi wa polokelo ya ABC kwa Francistown, Mme Kelebogile Mokgosi. A re tshwaragano ya baithuti, barutabana le batsadi go akarediwa le ba-na-le-seabe ba bangwe jaaka khamphani ya Debswana, e dira gore tikologo ya sekole e nne le tsotlhe tse di tlhokwang go ruta bana. O buile jalo bosheng, fa sekole se segolwane sa Orapa se ne se ipelela go gapa maemo a ntlha le go abela baithuti dimpho, a supa fa Debswana e abetse sekole seo P264 000 go thusa go baakanya ntlwana ya borutelo ya thuto ya design and technology le go reka didirisiwa. A re kompone e tsweletse gape ka go thusa sekole ka sepalamo le ka barutabana ba ba thusang mo dithutong tsa dipalo le maranyane. Sekole sa Orapa JSS se pasitse ka matshwao a 99.4 per cent, go itlhoma kwa pele ga dikole tse dingwe tse dikgolwane. Mme Mokgosi a re baithuti ba ba fentseng ka matshwao a merit, A, B le C ba dirile selekanyo sa 85.5 per cent. A re maduo a sekole sa Orapa ke sesupo sa gore batsadi ba lemoga botlhokwa jwa thuto gore ke yone tsela ya go betlela bana isago e e nonofileng. O rotloeditse batsadi go tsena diphuthego tsa lekgotla la batsadi le barutabana ka di thusa gore ba kgone go itse ka fa bana ba bone ba ithutang ka teng. O akgoletse baithuti ba sekole seo ba pele, ba mo nakong eno ba dirang mophato wa bone, go tsaya boikarabelo jwa go sala thuto morago, e le tsela ya go betla bokamoso. Mme Mokgosi a re go supa fa e le ruri sekole se se na le maitlamo a a tsepameng ka jaana se sa dire sentle fela mo dithutong, le mo metshamekong ka go farologana se itshupa. Mme Mokgosi a re maduo a sekole se a supa fa boeteledipele bo dira tiro, bo tsentse marapo mo dinameng e bile bo na le tebelopele. A re ba dira go le gontsi go ruta bana go ikemela mo botshelong jwa gompieno, jo bo tletseng dikgwetlho di tshwana le letlhoko la ditiro, lehuma, tiriso ya ditagi le tse dingwe. Mme Mokgosi o ne a kgothatsa bana go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo, ba ikgaphe mo dilong tse di ka ba senyetsang bokamoso. education 4 Kereke ya St John Apostolic Faith e supa lerato Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Nyorosi Legare kwa Kanye, Mme Binki Oki, o akgoletse kereke ya St John Apostolic Faith Church in Zion go abela batlhoki diaparo. Mme Oki o buile jalo fa kereke eo e ne e tshwere tiro ya go aba dimpho tse di akaretsang ditlhako, dikobo le paka ya baithuti kwa kgotleng ya Kgwatlheng. A re go aba go supa mowa wa lerato le neelano. Kgosana ya Kgwatlheng, Rre Kagiso Gaofiwe ene o ne a akgolela kereke eo tiro e ba e dirileng a ba a re o dumela fa kgotla ya gagwe e tla a segofala. Kgosana Gaofiwe o ne a ba gwetlha go tswelela ka mowa o montle o ba o supileng. O kopile baruti ba dikereke go ne ba etela kgotla ya gagwe a tlhalosa gore o tshwenngwa ke botlhokatsebe jo bo atang mo bananeng ba kgotla eo. Moemedi wa kereke, Mme Sister Steyn a re maikaelelo a bone e ne e le go lwantsha dikgwetlho tse Batswana ba lebaganyeng le tsone ka go ba kaela gore go na le botshabelo kwa Modimong. A re ba lebile segolo jang banana ka ke bone gole gantsi ba farafarwang ke dikgwetlho jaaka ba gola. A re ba na le mananeo a go thusa banana ba ba nang le ditalente tse di farologanyeng. A re ga ba abe diaparo fela mme ba abelana gape le dikitso. Kgosana Jack Molaoeng le ene o ne a akgola kereke ya St John a re go molemo go bona motho a dira tiro e ntle go na le yo o dirang ditiro tsa borukutlhi a ba a gwetlha banana go tsaya malebela. religion_and_belief 8 Dikoko tsa mae di tshetsa Jane Puso e dirile maiteko a go tswa ka methale e e farologaneng ya go nyeletsa lehuma. Mme Keitheng Jane, wa dingwaga tse di masome mane le borataro wa kgotla ya Botshabelo kwa Maun yo o abetsweng dikoko tsa mae ka lenaneo la nyeletso lehuma, o kaile fa a itumeletse lenaneo le ka le tokafatsa botshelo jwa gagwe. Mo potsolotsong bosheng, Mme Jane o tlhalositse fa ka kgwedi ya Lwetse, lephata la temo-thuo le ne la mo isa dithutong kwa Ngamiland Rural Training Centre go ya go ithuta dikoko tsa mae le go anywa botsipa jwa go tlhokomela dikoko tsa mae le go tsamaisa kgwebo, mme morago lephata la mo abela dikoko tsa mae di le masome a matlhano le go mo agela hoko. Mme Jane a re lephata le ne la mo abela dijo tsa dikoko, dikgetsi tsa selekanyo sa masome a matlhano di le nne, go fepa diruiwa tsa gagwe. Mme Jane o tlhalositse fa dikoko tsa mae di tokafaditse botshelo jwa gagwe thata, ka le tlala mo lwapeng ke selo sa maloba. A re pele fa a abelwa lenaneo le, o ne a itshetsa ka Ipelegeng go inamola mo lehumeng, mme madi a a neng a a amogela a ne a sa lekane ditiro tsa gagwe tsa letsatsi le letsatsi, gape mo ipelegeng o ne a bereka kgwedi a tla a tlodisa, ka jalo kgwedi e a sa theogelang ka yone lehuma le letlhoko le lentsi mo lwapeng. A tswelela a tlhalosa fa a ne a tle a thapiwe ka nakwana ke ba sekole se sebotlana sa Letsholathebe mo Maun, go thuga mabele a a apeelwang baithuti, a re ka bomadimabe go thuga mabele go ne ga mmakela makowa le ditlhabi mo mmeleng, le go baya botshelo jwa gagwe mo diphatseng. Mme Jane o tlhalositse fa a lebogela puso ka lenaneo le a le amogetseng la thuo ya dikoko tsa mae, a re puso e pelontle ka e kgathala ka matshelo a banni ba yone, ka go ba fa mananeo go nyeletsa lehuma mo malwapeng. “Lehuma la tlhaloganyo le tswa kgakala, mme e bile le thata gore le tswe, le nna le go raya le re kana o wa me, ke swa le wena” ga bua Mme Jane. A re o tsaya dikoko tsa gagwe jaaka kgwebo, mme kgwetlho-kgolo mo kgwebong ya gagwe, e e bakang gore mae a fokotsege ka palo ke mogote o o feteletseng le diphefo tse di tsubutlang. O tlhalositse fa a tlhokomela dikoko tsa gagwe, ka go di fa dijo le metsi ka nako gore mae a atlege, o di fa metsi a mantsi ka seemo sa loapi se sa iketla, go leka go di timola mo mogoteng o o feteletseng. A re o rekisa mae a gagwe mo baagisaning, le go tsamaya mo motseng a ipapatsa. O supile gape fa ba ikopantse le ba bangwe barui, go itira setlhopha, go rekisetswa sekole sa diphologolo le makgabisanaga mo Maun, ba isa mae a a ka tshwarang sekete mo kgweding, a re o setse a butse letlole la banka, go ipolokela morokotso wa kgwebo ya gagwe. A re maikaelo magolo mo isagong ke go leka go godisa kgwebo ya gagwe, le go gokela motlakase mo lwapeng. economy_business_and_finance 3 Monana o kopa thotloetso Monana wa moithaopi kwa Ditshegwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Mme Keabetswe Mabeleng o ikuetse fa a tlhoka thotloetso go tswa mo bananeng ka ene ga mmogo le morafe ka kakaretso go diragatsa ditiro tsa boithaopo. Mme Mabeleng o boleletse mo potsolotsong gore motse wa gagabo ga o na banana ba ba nang le mowa wa go ithaopa le gone go leka go dira sengwe se se tlaa ba thusang mo botshelong fa e se go tlhola mo meriting kana go diiwa ke dino. O tlhalositse gore o tlhola a leka go bitsa phuthego ya banana mo motseng, maikaelelo e le go tla go buisana gore ba ka kopana ba dira eng go tokafatsa matshelo a bone a selegae mme go seke go nne le yo o supang kgatlhego. O tlhalositse gape fa ba na le setlhopha sa motshameko wa bodiragatsi mme le sone ga se tswelele pele ka ntlha ya go tlhoka yo mogolwane.A re ba tlhoka motsadi yo o ka ba elang tlhoko mo ditirong tsa bone le gone go nna a ba gakolola fa ba sa tsamaiseng sentle teng. A re setlhopha fa se se na go fenya kwa dikgaisanyo tsa ngwaga le ngwaga tsa botaki le bodiragatsi, go nna le dikgogakgogano ka tiriso ya madi, selo se a reng go bakwa ke go tlhoka yo mogolwane mo go bone go ba thusa ka megopolo ka ga ba reetsane e le maloko. Mme Mabeleng o lela ka gore mathata a bone a itsa setlhopha go gola, a kaya fa bangwe ba bonala fela fa dikgaisanyo di le gaufi.O gakolotse banana ka ene go sa ipone tsapa mme ba tsee tsela e e maleba go bona thuso. O ne a kopa batsadi mo motseng go rotloetsa balekane ba gagwe go ithaopela go direla motse wa bone, a kaya gore go dira jaana go ka ba tlhabololela motse e bile le bone ga ba godisa mo matshelong a bone a selegae. society 9 Mapodisi a tlhotlhomisa dintsho Mapodisi a Baines Drift a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone bana ba le bararo ba tlhokafatseng morago ga go shwela mo ntlong ya kamore e le nngwe kwa Tsetsebye ka Labotlhano. Morago go ne ga fitlhelwa rraabone a akgega mo setlhareng gaufi le lefelo la tiragalo. Ramapodisi a Baines Drift, Superintendent Thusego Kenyafetse, a re morago ga go begelwa tiragalo e, ba ne ba ragogela koo mme ba fitlhela mawelana ebong mosimane le mosetsana ba ba ngwaga le dikgwedi tse di borobabongwe le lesea la dikgwedi tse supa ba shwetse mo ntlong e bile ba tlhokafetse. Supt Kenyafetse a re morago ga dioura di se kae, ba ne ba fitlhela monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa yo o tlholegang kwa kgotleng ya Mbuwe kwa Changate a akgega mo setlhareng. Superintendent Kenyafetse a re monna yo, ke rraagwe bana ba, e bile o ne a nna le mmaagwe bana ba yoo dingwaga tse di masome a mabedi le boferabongwe yo o tlholegang kwa Tsetsebye. A re mo lefelong la tiragalo go fitlhetswe garawe le sekupu sa parafene tse go belaesegang di dirisitswe ke monna yo. A re dipelaelo tse di ntshitswe ke gore go fitlhetswe gape mokwalo o go belaesegang o kwadilwe ke monna yo, o bua dikgang tse di amanngwang le tiragalo e. Supt Kenyafetse a re go tlhalosiwa fa monna yo a ne a ya go tsaya bana ba kwa lwapeng la ga mmaabone mogolo mme a laela mmaabone fa a tlaa ba fitlhela kwa lwapeng. Ramapodisi o boletse fa ditlhotlhomiso di tsweletse mme o ne a gakolola setshaba go begela mapodisi, dikgosi kgotsa ba boipelego fa ba bona baagisanyi ba bone ba sa nne ka kagiso segolo jang fa ba tshela ka go kubetsana. O gakolotse baratani go kopa bogakolodi fa ba na le dikgotlhang mo malwapeng a bone . disaster_accident_and_emergency_incident 2 Komiti ya ditlhabololo kwa Mogonye e dira sentle Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mogonye mo kgaolong ya Borwa o sa tswa go ntsha pego e supang gore komiti ya bone e tsweletse jang ka ditlhabololo tsa motse wa bone. Fa a ntsha pego eo, Mme Banka Gwai a re kwa kgotleng ya Mogonye ba sepodise ba bereka ka natla e bile ga gona boitseme bope. Fa a tswelela, a re Ipelegeng e mo tirong ya paakanyo ya leobo la kgotla mme ba sa ntse ba eme, ka bothata e le gone gore ga gona madi. Mme Gwai a re komiti e sa ntse e tshwaragane le namane e tona ya go dira ditsela tse di tsamaelang kwa ditsheng tse disa, mme le fa go ntse jalo, a ngongorega, a supa fa go le lebaka ba emetse mmepe oo go tswa kwa lephateng la kabo disha, o o supang gore ditsha tsa batho di tsamaya fa kae, gore fa ba rema dikgwa ba seka ba dira diphoso, ba rema ditsha tsa batho. Fa a tswelela, Mme Gwai o supile fa lebogela bodiredi jwa Tirelo Setshaba. A re sekole se sebotlana sa Mogonye ga sena motlakase ga mmogo le kokelwana ntswa motlakase ole teng mo motseng, a re matlo a barutabana le a baoki le one ga ana motlakase. Mme Gwai a re matlwana a borutelo a tlhaela ka a marataro ntswa a tshwanetse go nna supa ka fa molaong mme selo seo se dira mosuke. O boletse fa matlwana a boitiketso le one a tlhaela mo sekoleng seo. Mme Gwai o ngongoregile gape ka go bo sekole seo se sena motlobo wa dibuka, a tlhalosa fa seo se na le seabe se sentsi mo maduong a sa jeseng di welang a sekole seo. A re kokelwana ya Mogonye ga ena motlakase le koloi e bile kokelwana eo e a nela ka nako ya dipula. Mme Gwai a re gona le batho ba ba thapetsweng go sela matlakala mme go tsaya lebaka go duela. Fa a wetsa, a gakolola batsadi go ya diphuthegong tsa batsadi le barutabana fa di biditswe kwa sekoleng. Fa akgela mo pegong eo, mopalamente wa Moshupa, e bile ele motshwarelela tona ya thuto le tlhabololo dikitso, Rre Mokgweetsi Masisi, a re go maleba gore leobo la kgotla le tokafadiwe ka le botlhokwa thata. Tona Masisi a re o itumelela gore sepodise se dira ka natla go sireletsa banni ba Mogonye. O ne a akgola le babereki ba Ipelegeng a kaya fa le bone ba dira ka natla go tlhabolola motse wa bone. A re seemo sa gore ga gona motlakase kwa sekoleng se sebotlana le kokelwana se a tshwenya, ka tota ka tshwanelo di tlhokana le motlakase thata go dira ditiro tsa tsatsi le le tsatsi. Mokhanselara wa Manyana-Mogonye Rre Peter Sithebe, o ngongoregile thata, a kaya fa motse wa Mogonye o bapile thata le toropo mme go tshwenya thata go bona motlakase kwa sekoleng se sebotlana sa Mogonye ga mmogo le kokwelwana o ise o tsenngwe ntswa kompone ya motlakase yone e duetswe. BOKHUTLO politics 7 Ba kopilwe go ela matlapa tlhoko Baithuti ba sekole se segolwane sa Tsabong ba gakolotswe go ela tlhoko le go itsese ba ba lebaneng ka matlapa a ba ka a fitlhelang mo makhubung le dipane tse di mo kgaolong ya Kgalagadi di le mosola thata mo ditsong ga mmogo le mo go tokafatseng dithuto tsa bone tsa ditso le maranyane. Fa a tlhalosa ka botlhokwa jwa ditso tse di neng di dirisiwa ke batho ba bogologolo tse di mo kgaolong ya bone, mogolwane go tswa kwa ofising ya motlobo wa ditso, Rre Phillip Segadika o supile fa maikaelelo magolo a lekoko la gagwe e le go senola le go sedimosetsa setshaba ka matlapa a a neng a dirisiwa mo ngwageng tse di dikete tse pedi tse di fetileng mo kgaolong eo. Rre Segadika o supa fa bagolo ba lefatshe leno ba ne ba kgona go emelelana le dikgwetlho tsa botshelo jwa nako eo ba dirisa matlapa mme botshelo bo tswelele pele fela sentle. A re matlapa a ne a dirisiwa ditiro tse di botlhokwa jaaka go bua diphologolo le go suga matlalo . O supile fa mo dingwageng tseo go ne go se na yo o nang le boitseanape jwa go nyerolosa tshipi go dira didirisiwa tsa segompieno di tshwana le dithipa, dishaga, dilepe le dikere. A re Botswana ke lengwe la mafatshe a go fitlhelwang ditso tse di farologaneng tse di kgatlhisang thata jaaka tsa kwa Tsodilo, Palapye Hill le Toutswemagala kwa Maunatlala. O supegeditse bana matlapa mangwe a a boletseng fa ba sekaseka dingwe tsa ditso tsa tlholego ya one kwa Maleshe. O tlhalosa fa bagolo ba ne ba na le boitseanape jwa go betla matlapa a a neng a dirisiwa go dira ditiro tse di farologaneng mo nakong eo. Rre Segadika o kaile gore gongwe fa ba ka epa ba ka kgona go fitlhela madi a bogologolo, dinaka le marapo a diphologolo mme ba a tlhatlhoba morago ba a ise kwa motlobong wa ditso go a somarela. O supa fa maikaelelo a bone e le go tsamaya ba ipega pele mo bogosing mo dikgaolong tse di farologaneng go ba tlhalosetsa ka maitlamo, moono le maikaelelo a bone. Maitseanape mo go tsa boranyane, Rre Sewelo Fani o tlhalositse fa morago ga tshekatsheko ya ditso tseo ba tlhomamisa gore dilo tse ba di kgobokantseng di babalesegile ka go di baya mo motlobong wa ditso gore di seka tsa senyega ka di ka kgona go oka bajanala . Mogokgo Segametsi Matlho o galaleditse dithuto tsa lekoko leo ka a re di tlaa thusa baithuti go tokafatsa dithuto tsa bone. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Komiti ya Matobo e thusa batlhoki Ba komiti ya badirela pusoya villageextension team (VET) kwa Matobo mo kgaolong potlana ya Tutume ba abetse bana ba ba tlhokang dikobo di le lesome le botlhano tse di lopileng P2 250 kgwedi ya Phukwi e tlhola gane. Mothusa modulasetilo wa komiti eo, Rre FaniCooper o tlhalosiste gore madi a a rekileng dikobo tseo ke a ba saleng ba a kokoanya ka go ntsha lemme mo dikgwatlheng tsa bone. Rre Cooper o kaya fa ba bone go tshwanela go tswela kwa bathong go thusa fa ba kgonang teng ka go abela bana ba ba tlhokang. A re ba lemotsha setshaba fa ba sa lebaganale ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi fela mme ba angwa ke matshelo a ba bangwe. O boletse fa e se la ntlha ba aba ka ba ne ba agela motlhoki mongwe ntlo ya boitlhomelo. Molaodi wa kgaolo potlana ya Tutume, Rre Michael Chilimba o ne a galaleletsa tiro ntle e, ka e le sesupo sa go tshwenyega ka matshelo a batho babangwe go na le tiro e ba e thapetsweng fela. Molaodi o ne a ba kgothatsa go tswelela ka mowa o le mongwe le ka tshwaragano go direla ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Motsadi wa bana ba ba amogetseng dithuso, Mme Kgaleng Tabojose o ne a leboga komiti eo , a kgothatsa dikomiti tsedingwe mo motseng go tsaya malebela mo komiting eo di tshwaraganele le puso ntwa ya go nyeletsa lehuma. BOKHUTLO politics 7 Ba Dikgonnye ba gatetse pele E re ka jaana puso ya lefatshe leno e atolositse letsogo ka go dira mananeo a a farologaneng go tokafatsa matshelo a Batswana banni bangwe kwa motseng wa Dikgonnye ga ba batle go salela kwa morago mo mananeong ao. Mo potsolotsong le BOPA Mme Lucky Molebatsi yo o dingwaga tse di masome a mane le borataro (46) o ne a tlhalosa fa a ne a fiwa dipodi di le lesome le botlhano ka lenaneo la nyeletso lehuma go tokafatsa botshelo jwa gagwe. A re dipodi tseo o di filwe ngwaga o o fetileng a tlhalosa fa tse dinamagadi di ne di le lesome le bone fa e tonanyana e le nngwe a tlatsa ka gore le fa gone e le nngwe ile ya swa tsone di mo seemong se se siameng. Mme Molebatsi o tlhalositse le fa dipodi tsa gagwe di ise di tsale a re o na le tsholofelo e ntsi ya gore nako e di tsalang di ya go fetola botshelo jwa gagwe fela thata le fa go ntse jalo o ne a supa matshwenyego a gore ga a ise a isiwe dithutong tse di ka mo thusang fa dipodi di tlhasetswe ke bolwetse. O ne a supa fa gape gore la fa gone a kgona go di e tlhokomelela o tlhokana le dithuto tse di ka mo fang kitso gore fa podi e na le bolwetse a kgone go itse gore o di rekela melemo efe. Mme Molebatsi o ne a tlhalosa fa a sa bereke gope a itshetsa ka lenaneo la Ipelegeng mme o ne a supa fa a ikaeletse go kokotletsa dipodi tsa gagwe pele a simolola go di rekisa. O ne a kgothatsa bao ba ba santse ba saletse kwa morago mo mananeong ao go inaakanya le one a kaya fa a ka fetola matshelo a bone a tlatsa ka gore le bone ba ba filweng ba a a tsee ka tlhoafalo. Fa a tswa la gagwe Mme Dolly Molefe yo o dingwaga tse di masome a mararo le bosupa a re o ne a fiwa tshingwana ya merogo a tlhalosa fa a e filwe ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Phukwi. A re mo tshingwaneng ya gagwe o lemile ditamati le perehere tse a tlhalositseng fa di rekwa sentle mo motseng. O ne a tlhalosa fa sa le a supa kgatlhego ka go dira tshingwana ka ngwaga wa 2005 mme morago ga moo Molemisi mo motseng wa bone a mo rotloetsa go tswelela a lema mme a mo fa botsipa jwa go dijalo gore a leme dife ka dipaka di a farologana. Mme Molefe o ne a supa fa sale nako eo a bo a inaakanya le tshingwana ya gagwe go fitlhela go tla lenaneo la nyeletso lehuma le le kgonne go tlhabolola tshingwana eo. O ne a tlhalosa gore le fa gone a sa bone dipoelo tse di nametsang mme gone o kgona go itshetsa le bana ba gagwe ba a tlhalositseng ba le barataro mme a kgona go ba rekela dijo le melora. A re mo nakong eno o santse a kokotletsa madi go ya go reka dipeo tse dingwe gore a kgone go jala gape a tlhalosa fa a sa fiwa dipeo a tshela ka go kopa mo go ba bangwe. O tsweletse gape a re sebe sa phiri ke gore badirela puso ba ba neng ba mo abela tshingwana eo ba maoto a tshupa go tla go lekola le gone go tlhola gore a mme o tsamaisa kgwebo ya gagwe sentle a tlatsa ka gore sa le a ba bona la bofelo ka nako e ba ne ba mo abela tshingwana eo. Mme Molefe o tlhaloseditse BOPA gore le fa gone a dira sentle o lebanwe ke kgwetlho ya go duela metsi a supa fa madi a metsi a le kwa godimo thata mme o ne a re seo ga sena go mo kgoba marapo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Phitlho e tlhoka go tlotlwa Kgosi Gunny Moses wa kgotla ya Monarch kwa Francistown a re ga a itumedisiwe ke batho bangwe ba ba sa saleng morago tsamaiso mabapi le ditirelo tsa phitlho. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Moseso tlhalositse fa phitlho e gogomosa maikutlo, e bile e ngomola pelo. O supile fa go lebega bangwe ba latlhegelwa ke go tlhompha le go tlotla diphitlho, a tlatsa ka gore go tswa goolowe, phitlho e ne e dirwa ka tshisibalo le ka tumelo ya gore yo o tlhokafetseng mowa wa gagwe o tlaa robala ka kagiso. A re mo malatsing ano, bangwe ba tsaya diphitlho jaaka dinyao, a supa fa bangwe ba inaakanya le mekgwa e e fatlhang, segolobogolo thata banana. Kgosi Moses a re mekgwa ya go tlhoka go apara sentle le gone go ya phitlhong ba itshietse nnotagi phetelela ke sengwe se se tsayang phekelo e sele mo malatsing ano. A re malatsi a, bomme bangwe ba atisitse go tsena diphitlho ba sa apara ditukwi, kgotsa go rwala sengwe mo tlhogong, mo go neng go tlwaelesegile malobeng, fa bangwe borre ba tlhoka go apara dibaki e bile ba tle ba rwale dikepese kwa diphitlhong. Kgosi o supile fa bangwe ba tsweletse ka mokgwa wa go ka ema digongwana kwa mabitleng ba tsere dikgang ka mantswe a a kwa godimo e bile gape a supa fa dingwe dipina tse di opelwang di sa lere kgomotso e e maleba. Go sale foo, Kgosi Moses a re e re ntswa go tshelelwa mo diphetogong tsa sesha, ngwao le tsamaiso ya Setswana mo ditirong tse di rileng ke sengwe se se tshwanetseng go salwa morago. A re Batswana ba farologana ka ditumelo mme tlhompho le tlotlo ke sengwe se ba itsegeng ka sone e bile ba se dira ka botswapelo, ka jalo se gase a tshwanela go nyelela. BOTLHOKO society 9 Lephata le tshwere dithuto Baeteledi pele ba tshwanelwa ke go tswa ka mananeo a a tiileng go lwantsha tshenyetso setshaba. Fa a bua mo phuthegong ya ditlhogo tsa mafatshe a selekana tsa maphata a twantsho tshenyetso setshaba bosheng, mokwaledi mo lephateng la tsa mafatshe a sele , Rre Lapologang Lekoa o boletse gore dirukutlhi di tsaya nako e ntsi gammogo le ditsompelo go tswa ka maano a a kgatlhanong le mananeo a tshenyetso setshaba , ka jalo baeteledi pele ba tshwanetse go tswelela ka go tokafatsa mananeo a bone go lepalepana le seemo seo. Rre Lekoa a re tshenyetso setshaba ga e kake ya kgonwa ke lefatshe lepe le nosi ka jalo go tlhokana le gore mafatshe a tshwaragane go e lwantsha. O rotloeditse baeteledi pele ba maphata a twantsho tshenyetso setshaba go tswelela ba nonotsha tirisano mmogo ya bone gore ba kgone go thusana fa go tlhokafala. A re lefelo la twantsho tshenyetso setshaba la mafatshe a selekano le rutuntsha babereki ba maphata ao mo dilong tse di farologaneng di akaretsa go tlhotlhomisa, go sekisa, go ruta setshaba, go lwantsha borukutlhi, go lebelela le go kanoka botsamaisi. Mogolwane wa mafatshe a selekano, Rre Roger Korateng o boletse fa maikaelelo a CAACC ele go tokafatsa le go tiisa tirisano mmogo mo kgaolong ya selekano gammogo le go dira dipatlisiso le melao. O tsweletse a re lefelo le ntsha baithuti ba ba ka kgonang go supa dikitso tse ba di anyileng ka go ntsha dipego gore go kgonwe go fetela kwa legatong le le latelang. Go solofetswe gore kwa bofelong jwa thuto puisano e, batsaya karolo ba itshekatsheke mme ba tswe ka mananeo a a maleba go dirisa se ba se ithutileng. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Morwamosu o tlhaelelwa ke bodiredi Banni ba Morwamosu mo kgaolong ya Jwaneng-Mabutsane ba boleletse mopalamente wa bone, Rre Shawn Ntlhaile, fa motse wa bone o na le kgwetlho e tona ya tlhaelo ya bodiredi jwa sepodisi. E rile ba bua kwa phuthegong ya kgotla bosheng, ba tlhalosa fa ba sa akole ditlamelo tsa puso ka botlalo ka jaana bodiredi bo tlhaela. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo Rre Russian Gakeolope o boletse fa mo nakong e e fetileng ba ne ba na le mapodise a le mararo, mme mo bogompienong ba setse ka ba le babedi. A re ere ka jaana motse o tsweletse ka go gola le borukutlhi bo oketsega, ba tlhoka mapodise a mangwe a mabedi a maemo a constable le special constable. A re seemo se ga se jese diwelang ka jaana mapodisi a a leng teng a imelwa ke tiro, mme dirukutlhi di felele di itirela boithatelo. Mongwe wa banni ba motse oo Rre Nkong Tawana le ene o ne a bua a sa kgwe mathe ka go gola ga borukutlhi jo bo bakiwang ke tlhaelo ya mapodise. Le fa go ntse jalo, o supile fa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone ele morafe mo gongwe go dirwa ke boitseme jwa sepodise. A re ere ntswa ba amogela gore go na le dikgwetlho di tshwana le go tlhaela ga dikoloi le tse dingwe, mapodise le one a setse a bone maikgotlho a go tlhoka go thusa setshaba mo go kgotsofatsang. O boletse fa seemo sa go nna jaana se le borai ka jaana batho bangwe ba feletsa ba itseetse molao mo diatleng ka ntata ya tiego ya dithuso tsa sepodise. Erile a tsibogela dikgang tse, Inspector Kumbani Machaya a kopa morafe gore o seka wa itsapela go bega dikgang kwa mapodiseng ka jaana ele tiro ya bone go sireletsa setshaba. A re ka go tlhoka lesego dikgang tsa boitseme ga di nke di goroga kwa diofising tsa bone gore ba tsenye kgalemo. Mo go ya tlhaelo ya bodiredi, o tlhalositse fa sepodise se na le kgwetlho e kgolo ya tlhaelo ya boroko. A re pele ga maphata a sepodise a kopana, mapodise a kgotla ane a fiwa matlo ke ba kgotla, mme jaanong seemo se fetogile fa go nyelediwa sepodise sa kgotla. A re seemo se se a ba thatafalela ka gore le fa ba ka oketsa palo ya mapodise a Morwamosu kgwetlho kgolo e ntse e ya go nna ya boroko. O ba kopile gore ba tswelele ba ntse ba bega dikgang tsa bone ka botlalo kwa sepodiseng fa go santse go akanyediwa dikgang tsa boroko. politics 7 Methale e mesha ya temo e na le dipoelo - Molebatsi Mopalamente wa Mmadinare, Rre Molebatsi Molebatsi, o rotloeditse banni ba Mogapi le Mogapinyana go inaakanya le methale e mesha ya temo ka e ka ba sologela molemo. Fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo bosheng, Rre Molebatsi o supile fa dikgatlhego tsa gagwe di itebagantse thata le go tlhabolola botshelo jwa motho. O tlhalositse fa phetogo ya loapi e kokonela balemi barui, ka jalo a tlhalosa fa temo ya nosetso le bojanala di le bogadi bo gaufi. Rre Molebatsi a re Batswana ba tshwanetse go fetola ka fa ba akanyang ka teng, mme ba dirise methale e mesha ya temo. O rotloeditse banni ba Mogapi le Mogapinyana go ipopa ditlhophana gore ba kgone go tsaya mananeo a puso go itshimololela dikgwebo. Mopalamente Molebatsi o solofeditse go ema nokeng banni ba metse eo gore e re mo nakong e e tlang ditswa temong di bo di rekwa kwa Mmadinare. O ne a supa fa metse e mebedi eo, e dikaganyeditswe ke makhubu a a ka tlhabololwang go okela bajanala kwa metseng ya bone, selo se se ka ba tlhamelang mebereko le go tsenya madi. Le fa gontse jalo, kgosi wa Mogapi, Rre Boago Monnawapula o ne a kopa mopalamente gore e re mo nakong e e tlang a laletse lephata la tshomarelo tikologo le dikgwa go etela motse wa bone. Kgosi Monnawapula a re barui ba kgaolo ya gagwe ga ba sa tlhole ba rekisa dikgomo ka lebaka la bolwetse jwa mabele. A re se se bakilwe ke batho ba ba bapalang phane go tswa kwa mafelong a a kgakala, ba ba thibelelang kwa nageng kwa go senang matlo a boitiketso teng. A re se se tsenya matshelo a batho ba tikologo eo mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetse ka go ithomelwa gongwe le gonwe le go tlogela matlakala a e reng a kgotlela tikologo. Sub Inspector Tebogo Ramoshebi wa Mogapinyana o supile fa mapodisi a sa robatswe ke majalwa a a nowang mo motseng oo ka jaana dititeo le dipetelelo di diragala go ne koo. Rre Ramoshebi o ne a supa fa go simolola ka kgwedi ya Hirikgong ngwaga o o fetileng, go tsena mono ngwaga ba setse ba kwadisitse dikgang di feta lekgolo tse di akaretsang go betsa mo go bakang dikgolo, fa tse tlhano e le tsa petelelo ya bana ba dingwaga tse tlhano go ya kwa go tse di lesome le bongwe. Sub Inspector Ramoshebi o supile fa batsadi ba apaya majalwa mme ba a rekisa pele ga nako e e beilweng, a ba tlhagisa fa se e le go tlola molao. O supile fa bojalwa jwa setswana bo tshwanetse go simolola go rekisiwa ka nako ya lesome mo mosong go ya go tsena ka nako ya borobabobedi bosigo. Mokhanselara wa Mogapinyana Rre Asala Masheleng o ne a supa fa khamphane ya Metal Works, e ne e dira sentle mo e neng e tlhametse banana ba motse ditiro mme mo nakong ya gompieno e phuphame. Rre Masheleng a re o itlama go bereka le mopalamente le baeteledipele ba ba fetileng go bona gore khamphane eo e tsweledisa fa e neng e eme teng. society 9 Baopedi ba itshwaraganya go nyeletsa lehuma E re ka Motswana a rile setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata, baopedi ba mono gae le bone ba bone go tshwanela gore ba thuse puso mo ntweng ya go fedisa lehuma la nta ya tlhogo mo Batswaneng ka go ba abela dijo. Rre Percy Mothibi yo e leng ene a di gogang kwa tlhogong mo tirong e, o tlhaloseditse BOPA mo maitisong a mmino a a neng a tshwerwe kwa Palapye bosheng gore jaaka baopedi le baletsi ba mono gae ba bone go tshwanela gore ba nne le seabe mo go nyeletseng lehuma. A re tiro e e tshwaraganetswe ke Batswana ka bontsi ba ba mo mererong ya mmino le itloso bodutu ka go nna ba phuthagana ba bo ba letsa kgotsa ba bina go sa tsenwe ka madi mme babogedi ba lopiwa gore ba ntshe dijo di tshwana le sukiri, phaleche kapa kofi. Rre Mothibi o tlhalositse gore fa e sale itsholelo ya lefatshe e ya kwa tlase batho ka bontsi ba ne ba ntshiwa mo mophakong wa dijo wa puso mme ba sa kgone go itshetsa ka jalo ba leka go thusa batho ba mohuta oo. O tsweletse ka go tlhalosa gore fa ba sena go amogela dijo tseo, ba ikopanya le ba boipelego mo lefelong le ba a bo ba tshwaretse tiro eo mo go lone ka jaana bone ba itse gore ke bo mang ba ba tlhokang thuso thata. O tlhalositse gore maikaelelo a bone ke gore ba tsamae lefatshe ka bophara ba kopa dithuso tsa mohuta o, a tlatsa ka gore ba simolotse tiro e kwa Gaborone mme ba bona katlego e kgolo fela thata. O ikuetse mo Batswaneng go tsibogela kopo e mme ba tlise dijo ka bontsi.BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Mapodisi a Werda ga jesiwe diwelang ke dipetelelo Mookamela mapodisi a Werda, Superintendent Momopoloki Ramatsia, a re ga ba jesiwe diwelang ke dipetelelo tse di kekelang kwa kgaolong eo. O buile se mo potsolosong bosheng morago ga gore ba begelwe ditiragalo tse pedi tse di diragetseng kwa Mokopong. Supt Ramatsia o tlhalositse fa mo tiragalong e nngwe, monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bongwe a beteletseng mme wa dingwaga tse di masome a mararo le boferabongwe kgwedi ee fetileng e ya fifing. A re mmelaelwa ga mmogo le mme yoo le mokapelo wa gagwe ba ne ba tswa maitisong ka nako ya boferabongwe bosigo, mme mokapelo wa mme yoo a kgaogana le bone go itlhaganela golo gongwe kwa o neng a bidiwa teng mme morago mmelaelwa a phamola mme yoo a mmetelela. Mo tiragalong ya bobedi, Supt Ramatsia a re ba ne ba begelwa tiragalo e mo go yone mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi a beteletsweng ke borre bangwe ba babedi ba dingwaga tse di lesome le bosupa teng. Mookamela mapodisi a re mme yoo o ne a tlhaselwa ke dilalome tseo ka nako ya lesome le bobedi bosigogare kgwedi eno e tlhola malatsi a le mabedi fa a tswa maitisong. O ne a tlhalosa fa babelaelwa ba le mo diatleng tsa mapodisi go ba thusa mo ditlhotlhomisong, mme morago ba tlaa isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata. Rre Ramatsia o ne a supa fa mapodisi a gatisitse dikgang tsa petelelo di le nne fa e sa le ngwaga ono o simologa, fa ka ngwaga oo fetileng ka Sedimonthole ba begetswe tse tharo palo e a supileng e le kwa godimo thata. O ne a gakolola borre go ikgapha mo go beteleleng bomme, a re mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go tsamaya a sa boife sepe. Mo go tse dingwe, Supt. Ramatsia o boletse fa mo tiragalong e nngwe baratani bangwe ba ba tlholegang kwa Afrika Borwa ba ne ba tshwarwa ba leka go tsena mo lefatsheng leno e se ka fa molaong . Supt Ramatsia o boletse fa ba ne ba atlholelwa go tlhoka go tsena mo kgorwaneng ya molelwane. Mo go tse dingwe, o tlhalositse fa monna mongwe wa Draaihoek a neng a tlolela koloi ya mapodisi e ntse e tsamaya, a bolela fa mapodisi ba ne ba tshwara monna yoo, mme ba fitlhela mophuthwalana o go belaeseng e le setlhatshana sa motokwane. A re ba rometse setlhatshana seo go ya go tlhatlhojwa ke bomaitseanape, fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse. Supt. Ramatsia o ne a kopa setshaba go ba loma tsebe mabapi le bangwe ba ba inaakantseng le thekiso ya motekwane ka e le molato, ebile o sa siamela le jone botsogo jwa motho. crime_law_and_justice 1 A e nne modiga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a re puso e boetse morago tshwetso ya go tlhoka go lemoga Kgosi Kgafela II jaaka kgosi wa Bakgatla. Tshwetso eo e ne e tserwe ka 2011. Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Mochudi maabane, Tautona Masisi o ne a re go fetola mogopolo mo, go direlwa go tsisa kagiso le kutlwisisanyo mo Batswaneng. Tautona Masisi o tlhalositse gore e rile a tsaya botautona o ne a itlama go fedisa kgogagogano ya puso le Bakgatla. “Ke ne ka itlama gore ga nkitla ke ikhutsa go fitlhelela Kgosi Kgafela a boela mo Botswana, mme se ke nngwe ya dikgato tsa puso e ke e eteletseng pele, go bona gore ke etelela setshaba se se bopaganeng,” Dr Masisi a tlhalosa. O ne a supa gore ka e le ngwana wa Motswana e bile a na le motsadi, go thona gore o ka leka go itlhokomolosa botlhoko jo bo mo pelong ya ga Mohumagadi Mma Seingwaeng. Tautona Masisi a re go matshwanedi gore re le batho re itshwarelane, mme boitshwarelo jo bo tshwanetse go tswa mo pelong. “Bana ba motho ba a tle ba ngapane le gone go tlhoka kutlwisisanyo, mme se se salang, re bana ba motho,” ga bua jalo Dr Masisi. O supile gore tshwetso e ga se ya go ithatisa Bakgatla, mme ke morero o o sa bolong go rerwa jaanong ke nako ya go agisanyanya puso le Bakgatla. Tautona Masisi o ne a solofetsa Bakgatla gore e tlaa re letsatsi la maabane le ise le wele, tona wa dikgaolo le tlhabololo magae Rre Frans Van Der Westhuizen a bo a dirile mokwalo wa go konotelela tshwetso e. Tautona Masisi o bile a kgothatsa Bakgatla go ilela bogosi jwa bone. Tautona Masisi a re maikaelelo a gagwe ke go busa setshaba se se bopaganeng, e bile se akantshana le go phadisana ka megopolo, mme sengwe le sengwe se tshwanetse go dirwa ka fa molaong. “Se le tshwanetseng go se tlhaloganya ke gore maemo a botautona ga se maselamose, sengwe le sengwe se tshwanetse go dirwa ka fa molao-motheong,” ga rialo Tautona Masisi. A re sebe sa phiri ke gore madi a kago ya kokelo ga a a lekana, mme ka puso e le fa gare ga tshekatsheko ya ditlhabololo tsa ditoga-maano tsa lesome le bongwe, go tlaa lebelelwa gore letlhoko le kae mme go kopiwe madi a go diragatsa maitlamo ao. Tautona Masisi a re ka e bile a ipela ka puso ya batho ka batho le morero, o kopile Bakgatla go rera ditlhabololo tse ba di tlhokang mo kgaolong ya bone, le go di tlhomaganya ka botlhokwa jwa tsone. O ne a supa fa a swabisistwe ke tshwetso ya palamente bosheng ya go gana go rebola madi a go aga ditlamelo tsa go tsaya metsi kwa didibeng tsa Masama go nosa metse e e dikologileng toropo-kgolo Gaborone. A re sengwe le sengwe se dirilwe ka fa molaong le gore ene le khuduthamaga ya matona ba ne ba sa itse le yone kompone e e tlaa fiwang tiro. Tautona Masisi a re go supa gore o tsepame mo tsamaisong ya puso ya batho ka batho, o ganne go dirisa dithata tsa gagwe tsa botautona go pateletsa gore tiro e e dirwe le fa palamente e ganne ka P900 million. “Le sone sepatela se re batlang go se aga mo Kgatleng, se tsile go tlhoka metsi a a phepa gore se bereke sentle,” a rialo. A re ditshekatsheko di supile fa metsi a tsile go tlhaela mo metseng e e gaofi le Gaborone. “Lebaka le lengwe le le dirileng gore re batle go aga diphaephe tse di itebagantseng le didiba tsa Masama ke gore baitseanape ba supile go se botlhale go tlhakanya metsi a didiba tse le a North South Carrier 1 ka a le phepa go feta a letamo, mo go feletsang go dira gore go nne turu go a tlhatswa gape otlhe,” ga rialo Tautona Masisi. Tautona Masisi o ne a patilwe ke mohumagadi wa gagwe Mme Neo Masisi, mme ba ne ba abela Bakgatla dikobo di le makgolo a mararo le masome a marataro. Fa a tswa la gagwe mothusa kgosi wa Bakgatla, Kgosi Bana Sekai o ne a re o itumeletse dipalo tsa Bakgatla ba ba tshologileng tautona mokgosi. BOPA politics 7 Monna o thusa mapodisi mo ditlhotlhomisong Mapodise a Takatokwane a tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano wa Molepolole go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le leso la mosadi mongwe wa Salajwe mo kgaolong potlana ya Letlhakeng. Mogolwane wa mapodise a Takatokwane, Superintendent Ocean Maraganyane, a re rre yoo, yo go bolelwang e ne e le mokapelo wa moswi, ke ene a bonweng la bofelo a na le ene. Superintendent Maraganyane o boletse fa ba begetswe fa mme yoo a sa bonwe mme ba tabogela kwa motseng wa Salajwe go ya go thusana le morafe go mmatla. A re mo letsholong la bone la go mmatla, ba ne ba fitlhela masalela a motho kwa ntlwaneng ya boitiketso kwa mabitleng a motse oo, mme ba masika ba netefatsa fa diaparo tse di fitlhetsweng e le tsa mosetsana yoo. Rre Maraganyane a re ba ne ba bitsa ba bongaka go tla go tlhatlhoba setopo mme ba boloka moswi lone letsatsi leo ka a ne a setse a senyegile, a tlatsa ka gore rre yoo o ne a tshwarwa le ene ka lone letsatsi leo kwa Gabane. Superintendent Maraganyane a re batsadi ba mosetsana yoo ba supile fa ba tsere lebaka go begela mapodise fa mme yoo a sa bonale, ka ba ne ba tsaya gore o ile ditsela tsa gagwe mme o tla boa. Rre Maraganyane o ne a gakolola batho gore ba tlhokomele bana ba bone ga mmogo le bagodi ka jaana dipula dile dintsi e bile e le nako ya go bapala maungo a naga, selo se a reng gantsi se baka gore batho ba timele. A re bosheng ba ne ba begelwa batho bale bane ba ba neng ba timetse ka malatsi a a farologanyeng kwa Kaudwane, mme a re ka lesego botlhe bane ba bonwa ba tshela. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Banni ba akola Ipelegeng Banni ba kgotlana ya ga Kebuang mo Kanye bokone ba boleletse mopalamente wa bone Rre Kentse Rammidi bosheng fa ba kgonne go tsweledisa ditlhabololo dingwe mo motseng wa bone ba dirisa lenaneo la Ipelegeng. Ba boletse se mo phuthegong ya kgotla e Mopalamente a neng a e biditse mo kgotlaneng ya bone ka Labone. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa ga-Kebuang/Seno mme Kopano Pasela o boletse fa ba kgonne go dira ditiro di le mmalwa ka lenaneo la Ipelegeng di akaretsa kago ya loobo lwa kgotla, go epa matamo le go a agelela kwa Phokojeng, Mmasenyetse le goora-Seno. Mme Pasela le fa go ntse jalo, o ngongoregile ka seemo sa ditsela mo ga-Kebuang a re ke matlhotlha pelo fela mme a kopa Mopalamente wa bone gore a eme ka dinao go lwantsha dilelo tsa bone pele ga ditlhopho. O ne a kopa mopalamente gape go latedisa se eleng boammaaruri ka dikgang tse ba di utlwalelang tsa gore batho kwa goora-Seno ba gana go ikwadisetsa ditlhopho tsa setshaba ka ba re ga ba tlhaloganye seemo sa motsana wa bone mabapi le kgang ya bo maipaafela gore a ba tlaa bewa semmuso kgotsa go thubelwa. E rile Rre Rammidi a tsibogela tekodiso ya komiti ya ditlhabololo tsa motse, a tswa pounama ka go supa fa a utlwa selelo sa bone se se ngomolang pelo mabapi le ditsela; a re bothata ke gore madi ga a yo ka ntlha ya kwelo tlase ya itsholelo mme a ba bolelela gore ga a na go swa lentswe go bua ka tsone. A re o ka tswa a sa ba lekole mo go ba kgotsofatsang mme e se go rata ga gagwe e le go tshwarwa ke ditiro tse dingwe tsa puso, bogolo jang komiti ya Palamente ya madi e a leng leloko la yone. O boletse fa e tlaa re mo bogaufing a bitse phuthego ya kgotla kwa goora-Seno mme o tlaa kopa banni bao go ikwadisetsa ditlhopho ba ntse ba letile karabo, e sere gongwe ba fitlhela ba ithontshitse go itlhophela baemedi. Banni ba ga-Kebuang le bone fela jalo Rre Rammidi o ba kgothaditse go ikwadisetsa ditlhopho ka bontsi gore e re ngwaga o o tlang ba kgone go itlhophela baemedi ba ba ba ratang. O ne gape a kopa banni bao go rapelela pula gore lefatshe le nne le metsi ka e le one botshelo. Fa a tsibogela kgang ya matamo a a epilweng ebile a ageletswe ka lenaneo la Ipelegeng, o ne a lebogela banni seo mme a ba kopa go sekaseka gaufi le one gore a ga go kake ga dirwa masimo teng; a re o ka ipha matsapa go kopana le ba kabo ditsha le ba ofisi ya banana go thusa bana bao ba ipopile setlhopha gore ba leme merogo go itshetsa. Rammidi gape o ba lekodisitse fa Palamente e fitisitse molao o o dirisanyang le ditsheko, a re ka molao o, puso e tlaabo e thusa ba ba sa kgoneng go ithekela diagente mo dikgannyeng tsa bone tse di amanang le borukutlhi, a tlhalosa fa lenaneo le le tlaa bo le tsamaisiwa ke ba makgotlana a ditshwanelo a tshwana le BONELA le Ditshwanelo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Seemo sa ditsela se a tlhobaetsa Mopalamente wa kgaolo ya Thamaga Kumakwane Rre Tshenolo Mabeo a re seemo sa ditsela mo kgaolong ya gagwe ga se jese diwelang. Mopalamente o buile se fa a ne a buisa phuthego ya kgotla ka Labobedi ko Kotolaname e le nngwe ya diphuthego tse a di buisang go lekola kgaolo. A re fa e sale dipula tsa ngogola tse di neleng ka bokete, ditsela tseo ga di ise di gopiwe mme di le mo seemong se se tlhobaetsang. A re le fa go ntse jalo, ga a kitla a ipona tsapa lepe le go leka go bona gore seemo se boela mannong ka a re o tlaa ikgolaganya le ba lephata la ditsela go tsibogela seemo seo. E rile a tswa la gagwe modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Mme Olebogeng Mabiletsa a lebogela gore ntlo ya molemisi e a fela ka go ne go sena fa a bayang tlhogo teng. O bile a lebogela gore motse wa Kotolaname o goketswe mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsanyo jaanong le bone ba kgona go tlhaeletsanya le ba masika le ditsala motlhofo ka megala ya letheka. Le fa gontse jalo o kaile fa ditiro tse di ntsheditsweng madi tsa dikgaolo tsa botlhophi di saletse ko morago ebile go se epe e e simolotseng a tlatsa ka gore ba aperwe ke lenyora le ntswa metsi a le teng mo motseng ka lebaka la gore dipompo di sa le di senyega mme go pala fela gore di baakanngwe. Banni ba motse le bone ba nnile le sebaka sa go akgela. Rre Onalenna Chabadiile a re o tshwenngwa ke gore ngwaga le ngwaga gatwe ba rekele bana dibuka mme ba tswa mo malatsing a boitapoloso a gantsi go dirisiwang madi ka bokete. Rre Manthe ene o kopile puso go sekegela balemi ba ba lemang ka temo ya komelelo segolo bogolo balemi ba ba fatlhogang ka ba dikile ba wetswe ke seru sa leuba ngwaga o o fetileng ka lebaka la gore ga ba a tswa ka sepe mo masimong ka ntlha ya pula e e neng e fetile selekanyo. A re seemo se, se ya go gakala gape monongwaga ka go lebega dipula tsa monongwaga di le boutsana. Kopa puso gore e ba gadime ka gore ba tsere dithuso tsa madi mo dibankeng mme ka ba sa kgona go rekisa ba setse ba gotlhagotlhana le dibanka. Fa a tsibogela dikakgelo tsa bone, mopalamente Mabeo o ne a supa fa puso e tsibogetse matshwenyego a dikole. A re go laetswe ba lephata la tsa madi gore go ntshiwe madi seemo se boele mannong. Mabeo o bile gape a tsibosa fa go na le thulaganyo ya go fokoletsa balemi merokotso mo mading a ba a adimileng fa go setse go rurifaditswe gore ngwaga ke wa leuba. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Ngwana o tshwanelwa ke go itse batsadi ba gagwe Maloko a komiti e e sireletsang le go lwantsha dikgwetlho tsa bana le setshaba ka kakaretso, ba kopilwe go netefatsa gore a bana ba tshela sentle e bile ba sireletsegile ka dinako tsotlhe. Mafoko a a builwe ke mmaboipelego wa khansele ya Tsabong, Mme Nametsegang Peloyame, kwa thuto puisanong e e neng e tshwerwe bosheng. O ne a tlhalosa fa molao o o sireletsang bana wa ngwaga wa 2009, o tlhalosa gore ngwana mongwe le mongweo tshwanelwa ke go itse batsadi ba gagwe botlhe le gore a utlwe bothito jwa lorato la bone le fa ba sa tlhole ba le mmogo. Mme Peloyame o ne a tlhalosa le gore bana ba tshwanetse go akarediwa mo mererong ya selegae le go gakolola batsadi, go tsaya boikarabelo ba sa le bannye ka e le bone babusi ba lefatshe leno ba ka moso. Mme Toto o ne a supa batsadi bangwe ba a reng ba gataka ditshwanelo tsa bana ka gantsi ba di loba fa tse dingwe ba felela ba tsholotse dikgetse tsa mofuta oo, ba lebile gore ba tlaa atswiwa ka sengwe, a supa fa go dira jalo go sa siama ka ngwana ene a felela ka go tshela ka botlhoko mo pelong ya gagwe botshelo jotlhe. Kwa bofelong jwa dithuto tse, ba komiti e e bopilweng ka maphata a puso a a dirisanang le bana, e ne ya supa ba itlamile go leka ka bojotlhe go tlhomamisa gore a bana mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba sereletsgile ka go ba lekola nako le nako mo metseng e e farologanyeng. Bokhutlo society 9 Ba rotloediwa go dirisa matlhophelo a masha Lephata la metsi le le direlang ka fa tlase ga tsamaiso ya tsa merero ya lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopo leswe kwa Tsabong le ne la abela komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) ya Bokspits dithoto bosheng. Mo kabong dimpho e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng ya motse oo bosheng, Rre Force Ramasuswana o tlhalositse fa lephata la bone le ne le na le tiro ya go gokela sediba se sesha se mo motseng wa Bokspits mme ba bona go le botlhokwa gore ba abele komiti ya motse oo ya ditlhabololo dithoto tse ba neng ba di dirisa. Moeteledipele wa lephata la metsi o tlhalosa fa dithoto tsa teng di ne di akaretsa sesupaditshwantso, setsidifatsi le sefetlha phefo. Dithoto tseo ke tse di neng di dirisiwa ke mogolwane wa kompone e ba neng ba e file tiro kwa motseng oo gore e gokele sediba. A re ba ne ba bona go le botlhokwa gore ba abele VDC dithoto tseo gore ba nonotshe kgweebo ya bone ya boroko. O tlhalositse gape gore lebaka le lengwe ke go nonotsha tomagano ya bone e le lephata la metsi le komiti ya ditlhabololo le morafe ka kakaretso. Rre Ramasuswana o wetse ka go rotloetsa VDC le morafe gore ba tswelele ba tshwaragane le lephata, a supa fa ba dirisana sentle le beng ba di kompone tse di fiwang ditiro mo motseng. Rre Ramasuswana o ne a akgola morafe wa Bokspits go bo o thusitse ka dilo tse dintsi ka nako ya fa tiro e dirwa, a supa fa dingwe mo go tsone e le gone go ba ha boroko ko matlong a baeng a VDC. O tlhalosa gore e re le ntswa ba ise ba role sediba semmuso, se setse se bereka e bile metsi a sone a setse a nowa ke bangwe banni ba motse. Rre Ramasuswana o supile fa a itumetse ka tiro e diragaditswe jaaka ba ne ba eleditse, e bile go tokohaditse seemo sa boroko mo matlong a komiti ya motse le metsi mo motseng. O tlhalositse fa tiro e e simolotse ka Tlhakole go fitlha ka ya mopitlo mme ya fediwa ka kgwedi ya seetebosigo mono ngwaga. Fa a tswa la gagwe, Kgosana Mme Lydia Rautenbach o ne a leboga ba lephata la metsi le ba kompone e e neng e neetswe tiro go bo ba weditse tiro go sena dikgogakgogano. O ne a kopa Rre Ramasuswana go fetisetsa malebo a morafe ko go tona wa Lephata a tlatsa ka gore ba komiti ya ditlhabololo ba na ba nale seabe se se tona mo tirong eo. BOKHUTLHO politics 7 Ba-na-le bogole ba rotloediwa go nna le seabe mo ditlhophong Ba-na-le bogole ba kgaolo potlana ya Boteti ba kgothaditswe go nna le seabe mo tsamaisong ya ditlhopho. Kgothatso e e ntshitswe ke mogolwane wa IEC, Mme Thabang Tlhase kwa thutopuisanyong ya ba-na-le bogole mo Letlhakane bosheng. A re maikaelelo a thutopuisanyo ke go rotloetsa ba-na-le bogole go emela ditlhopho gore ba nne baeteledipele. A re fa e le baeteledi pele ba tlaa kgona gore lentswe la bone le utlwale fa ba bua ka dikgwetlho tsa bone. O ne gape a re maikaelelo ke go ba kopanya gore ba amogane maele ba bo ba age ba bangwe gore ba kgone go emelelana le dikgwetlho tsa botshelo. Mme Tlhase a re maikaelelo ke gore kwa bofelong ba bo ba na le nonofo ya go ka emela ditlhopho gammogo le go ka tsaya maemo a boeteledipele. A re go tsaya karolo mo tsamaisong ya ditlhopho go raya dilo di le dintsi, gase kgang ya go tlhopha fela. A re go ka raya go ikwadisa o le ntlhopheng, go ipapaletsa ditlhopho gammogo le go nna moeteledipele. A re mo tsamisong ya mafatshefatshe ba-na-le bogole ba na le tshwanelo ya go tsenelela merero yotlhe ya polotiki, a tlatsa ka go re le fa go ntse jalo go santse go le thata gore ba bone tshwanelo eo. Mme Tlhase o ba tlhaloseditse ka tiro ya makhanselara le mapalamente e a reng e itebagantse le dikgaolo tsa botlhophi, ka jalo a re batlhophi ba tshwanetse go netefatsa gore ba diragatsa ditsholofetso tsa bone. O ne gape a ba lemotsha ka dipaakanyo dingwe tse di dirilweng mo molaong wa tsamaiso ya ditlhopho gammogo le thulaganyo ya matshine o o tlhophisang. Rre Galeragwe a re ba ipope ditlhopha gore lentswe la bone le utlwale. A re lekgotla le le tsamaisang ditlhopho le na le sebaka sa go sekaseka morago ga ditlhopho gore di tsamaile jang le gore go ka baakangwa fa kae. O ne a ba kgothatsa go emela ditlhopho a re ba seka ba inyatsa ka gore ba na le bokgoni jaaka mongwe le mongwe. BOKHUTLO politics 7 Seemo sa metsi gase itumedise makhanselara Makhanselara a kgaolo potlana ya Letlhakeng a re ga a itumedisiwe ke seemo sa metsi le ditsela mo kgaolong ya bone. Go kaiwa fa seemo sa ditsela mo kgalong potlana ya Letlhakeng ga mmogo le tsamaiso ya metsi ya Water Utilities di tshwenya thata. Makhanselara ba kgaolo potlana eo ba supile fa sa kgotsofalele tsamaiso ya khamphani ya metsi bogolo jang mo tsamaisong ya kgokelo ya metsi, dituelo tse di kwa godimo le tsibogo ya go baakanya dipompo tse di thubegileng. Mokhanselara wa kgaolo ya Ngware Rre Ontatlhole Selatlho o supile a tshwenngwa ke gore go tsaya lobaka gore kompone ya Water Utilities e tsibogele tlhaelo ya metsi le go begela dipompo tse di senyegileng mo kgaolong ya gwagwe. O ne gape a supa asa itumelele botho jwa bangwe b aba thapilweng ke kompone eo ka ba kgona go tsena mo malwapeng a batho bas a ba dumedise mme ba tlhamalele kwa di pompon go tsaya dipalo tsa dimmithara. Fa a buisa Khansele mogolwane wa kompone eo Rre Seabe Mabua o tlhaloseditse makhanselara fa ban a le matshwenyego a tshwana le gore didiba tse dingwe tse di nosang metse di a kgala. O ne a fa sekai ka sediba sa Khudumelapye a supa fa se ntsha metsi a a kwa tlase mme a supa fa ba le mo patlong ya didiba tse di ka thusang go nosa fa tse dingwe di fela metsi. Rre Mabua one gape a supa fa ban a le dikgwetlho di tshwana le go utswiwa ga leokwane kwa didibeng tse di kgakala le metse.One gape a supa gape fa ba tshwenngwa ke batho b aba nosang leruo metsi a sechaba. O supile gape fa kgaogo ya motlakase kgapetsa kgapetsa e kgoreletsa go tswa ga metsi kwa didibeng tse di gokeletsweng motlakase. O tlhalositse fa ba fetola dipompo tsa sechaba gore go dirisiwe tsa maranyane tse go nowang ka dikarata.Mokhanselara wa Khudumelapye-Sesung Rre Bokopano Tumiso one a kopa gore go potlakelwe seemo sa tlhaelo ya metsi kwa Khudumelapye. Fa a latlhela la gagwe mokhanselara wa Letlhakeng Borwa Mme Stella Segwagwa one a supa fa a sa itumedisiwe ke seemo sa ditsela tsa mo motseng tsa Letlhakeng ka di saletse morago ka malatsi a masome marataro le bobedi. O ne gape a supa a a itumelele gobo kompone ywa Water Utilities e sa tsibogele seemo sa kgopo ya metsi a a leswe ka bonako. BOKHUTLO politics 7 Batsadi ba rotloediwa go tsaya karolo Mothusa tona ya thuto le tlhabololo dikitso, Rre Fidelis Molao o tlhalositse fa kwelo tlase ya maduo mo baithuting lefatshe leno ka bophara e sa jese diwelang. Mothusa tona o tlhalositse se mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi kwa Gabane. Rre Molao a re batsadi ba itlhokomolositse thuto ya bana ba bone, mme se se tsala gore bana ba nne maoto a tshupa mo thutong ya bone go bo go feletsa go tsala mekgwa e e maswe mo baneng. O ne a tswelela ka gore batsadi ga ba a tshwanela go emela go bilediwa tshenyo ya bana kwa dikoleng mme ba tshwanetse go etela dikole go utlwa ka itekodiso ya bana. A re barutabana ka bonosi ba ka se kgone go aga baithuti. Mothusa tona o ne a tswelela a re bokamoso jwa baithuti ke jone bokamoso jwa lefatshe leno, a bo a tlhalosa fa go le botlhokwa go aga babusi ba kamoso ba ba nang le boikarabelo. O ne a tswelelela a tshwaya phoso, batsadi ba ba rekisetsang baithuti nnotagi, motokwane le ditagi tse dingwe, a re seo se diphatsa mo baneng. Rre Molao a re seemo se, se tsala mekgwa e e maswe mo baithuting e bile gape se ba tlhorontsha mo go tsa thuto. O supile gore maduo a baithuti a wela kwa tlase ka gore nnotagi e tlhasetse mo baneng, mme batsadi ba ikgatholositse ntlha eo, ba beile morwalo mo barutabaneng. Mopalamente wa Gabane-Mmankgodi Major General Pius Mokgware, o ne a kopa puso go lebelela mabaka a pereko a barutabana. A re barutabana ba kgona go bereka lobaka lo lo leele ba sa tlhatlosiwe maemo, mme se se ba kgoba marapo e bile se ka ama le go ntsha maduo ga bone. E rile a bua la gagwe, Kgosi Seeletso Pule wa Gabane, a tlhalosa fa thuto e tshwanetse ya tshwaraganelwa ka e le botlhokwa mo go fetoleng matshelo a bana. education 4 Setshaba se kopiwa go ema Tautona Masisi nokeng Moemela dikgosi tsa kgaolo ya Kgalagadi Bokone kwa ntlong ya dikgosi, Kgosi Moeti Monyamane, o gwetlhile setshaba go ema Tautona Dr Mokgweetsi Masisi nokeng gore a kgone go fitlhelela dikeletso tse a di beileng setshaba pele. O buile se mo potsolotsong morago ga go lebelela tiragalo ya go ikanisiwa ga ga Tautona Masisi ka Labotlhano. Kgosi Monyamane o ne a lebogela thulaganyo ya go phatlalatsa kgaso ya go ikanisiwa ga ga tautona mo maranyaneng le ntswa a re go ne go sa lekana ka jaana ba metse e e kgakala le ditlamelo mo tikologong ya Hukuntsi ba sa bona sebaka seo. A re le ntswa e ne e le maiteko a ntlha, keletso ke gore mo dingwageng tse di tlang, go atolosiwe ditirelo tsa phatlalatso eo. Le fa go le jalo, Kgosi Monyamane a re dikeletso tseo, ga di ame puso e le nosi, ka jaana di tlhoka gore setshaba se nne bontlha bongwe jo bo thusang go diragatsa maikaeleo a puso mo dikgaolwaneng tsa bone. A re seo, se ka kgonagala fa botlhe ba ba nnileng lesego ka go bona dithuso tsa madi go simolodisa dikgwebo go dira ka natla go di bapatsa. A re go katologa ga dikgwebo tsa bone go ka ba kgontshan go thapa banana ba ba kailang mo mebileng ka ntata ya go tlhoka go tsenya diatla gope. le fa go le jalo, o ne a gwetlha banana go emisa mokgwa wa go neela tshwene marapo ba lebile goromente gore a ba thape, a ba gwetlha go tlhagafalela mananeo a ba a neelwang go a dirisa ka fa tshwanelong gore ba kgone go itshetsa le ba malwapa a bone, imolola puso morwalo. O ne gape a gwetlha banni ba dikgaolo go netefatsa gore ba tsosolosa mowa wa boipelego ka go tsosolola dithulaganyo tsa ngwao jaaka melaletsa. Mo go tse dingwe, o ne a supa fa lefatshe leno le bopilwe ka diphathi tsa sepolotiki tse di farologanyeng, mme a gwetlha setshaba go seke se letlelela dipharologanyo tseo go ba tsenya phefo ka jaana a re seo, se tla a kgoreletsa ledula le lefatshe leno le tumileng ka lone. Fa a tswa la gagwe, Mookamela ofisi ya Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA) kwa Hukuntsi, Rre Tuelo Rabaloi, o ne a supa fa kgaolo ya Kgalagadi Bokone e le nngwe ya dikgaolo tse di gateletsweng mo go tsa itsholelo, le fa a re bontsi bo santse bo ikaegile ka thuo ya leruo e a supileng fa le yone e sa nametse. A re nako e gorogile ya gore ba bofe ditlhako ba kope dithuso kwa diofising tsa bone go tlhabolola thuo ya bone go nna ya boleng jo bo rileng jo bo ka phadisanyang kwa mebarakeng e e farologanyeng. A re le ntswa kgaolo eno, e lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le ya letlhoko la metsi le phulo, o ne a ba gwetlha go inaakanya le go tswakanya mohama wa temo thuo ka go tla ka methale e mesha jaaka go lema manoko le dinawa tse ka tsone a tlhalositseng fa dipatlisiso di supa fa di kgona go emelana le diemo tsa loapi la kgaolo. O ne a tlatsa ka gore ba ka sekaseka le gone go ka simolodisa madirelo a a itebagantseng le go dira metswako ka di bapalwa nageng tse di bonwang mo kgaolong ya bone a re seo, se ka thusa mo go tsosoloseng itsholelelo ya kgaolo. Rre Gift Masake wa Hukuntsi, o ne a lebogela phatlalatso ya ikananiso ya ga Tautona ka maranyane. A re mo dingwageng tse di fetileng, ba ntse ba itse fa tiro eo e le ya Gaborone hela. O ne a supa fa ba eletsa fa puso e ka tsibogela dikgang tsa letlhoko la metsi mo kgaolong ya Kgalagadi ka jaana ba tshelela mo lenyoreng ga mmogo le leruo la bone. O ne a supa gape fa maduo a thuto mo kgaolong a sa jese diwelang, ka jalo a kopa gore puso e tsibogele kgang ya go simolodisa dithuto tsa di teme tsa merafe, a re seo, se ka fetola seemo sa thuto mo dikgaolong tsa bone. Mo go tse dingwe o ne a lela ka tlhaelo ya lefatshe a supa fa mo kgaolong ya bone, mafelo a diphologolo a seegetswe sekidi se segolwane thata, ka jaana gape a atamalane thata le mafelo a bonno a re seo, se felela se baka kgotlhang fa gare ga batho le diphologolo. O ne a kopa puso go tsibogela kgang ya go atolosa mafelo a diphologolo le bonno go bipa seemo sa dikgotlhang. BOKHUTLO society 9 Lephata le lwantsha kgokgontsho Ba Lephata la Banana Metshameko le Ngwao, ba kgaolo potlana ya Tutume ba ne ba tshwere dikgaisano tsa bodiragatsi jwa dikhwaere, poko le mmino wa setso ka matlhatso, mo kgotleng potlana ya Thini. Metshameko eo e ne e kopantse banana ba dikgaolo tsa Tutume, Goshwe, Matobo le Nswazwi, ka setlhogo se se reng, Kemiso kgokgontsho ya bomme le bana. E rile a amogela batsaya karolo, Kgosi Billy Thini a tlhalosa fa a leboga go menagane, e bile a ikutlwa a le motlotlo thata gobo ba lephata la banana metshameko le ngwao ba bone go le maleba go tshwarela dikgaisano tsa mofuta oo mo kgotleng ya gagwe. Ka letsatsi leo, mogolwane wa Lephata la Bodiragatsi, Mme Bonolo Kamakama, o boletse fa batshereganyi ba ba tsileng, ba tswa kwa Tonota Borwa; mo e le maiteko a go tsamaisa dikgaisano ka thelelo go tila tsietso kana tlhoka kutlwisisano. Mme Kamakama o tlhalositse fa maikaelelo le maikemisetso a metshameko e e le go leka go ntsha banana mo mekgwatlheng, le go ba rotloetsa mo go tsa ngwao. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba kopana le dikgwetlho di tshwana le go thubega ga ditlhopha fa ba sena go tsaya dikatso, ka gore bontsi jwa sebaka madi a ga a kgaoganwe sentle. Le fa go ntse jalo, one a kopa banana go dirisa madi a ba a tsayang go tlhabolola ditlhopha tsa bone, e seng go a lwela. O ne gape a gatelela thata ntlha ya gore nnotagi ga e letlelelwe kwa metshamekong e. Mongwe wa batshereganyi e ne ele Rre Kabo Keitheng, mofenyi wa metlae mo dikgaisanong tsa ga tautona tsa Botswana jotlhe, monongwaga. O rotloeditse banana go tsaya dikgaisano tseo ka tlhwaafalo ka di ka ba isa golo gongwe. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 ESP e araba selelo sa Manxotai Kgosi Opelo Mokgadi wa Manxotai mo kgaolong potlana ya Tutume o boletse fa kgwetlho e e ntseng e ba lebane ya letlhoko la diofisi mo kgotleng ya motse oo e arabilwe. O buile jalo mo potsolotsong bosheng. A re go agwa ga diofisi tse ke tlhabololo e ba sa tswang go e amogela bosheng ka lenaneo la go rudisa itsholelo. Kgosi Mokgadi o supile fa tiro ya go agwa ga diofisi tseo e simolotswe kgwedi e e fetileng mme e solofetswe go wediwa ka kgwedi ya Ngwanaatsele mo ngwageng ono mme a tlatsa ka go supa fa tiro eo e abetswe rakonteraka wa monana e bile e na le motlhala o o kgotsofatsang. A re se sengwe gape se se kgatlhisang ke gore tlhatlhobololo ya tiro eo e dirwa ke baitseanape ba dikago gape e dirwa gangwe le gape go netefatsa fa tsotlhe di apere tshiamo. Kgosi Mokgadi o gateletse botlhokwa jwa gore ba ba lebanweng ke tiro eo ba tshwanelwa ke go e dira ba tsentse moko mo nameng. A re ntle le go nna tlhaga, ba ka tloga ba retelelwa ke go tshwara nako e ba solofetsweng go wetsa tiro ka yone kgotsa ba felele ba dira tiro ya boleng jo bo sa itumediseng. Kgosi Mokgadi o supile fa kago eo e na le diofisi tse tharo, ntlo ya go beeletsa dithoto tse di farologaneng gammogo le matlwana a boitiketso a sesha. A re letlhoko la diofisi le ntse le ba beile ka fa mosing ka jaana ba tlamega go dirisa leobo go ka tsweledisa ditirelo tsa kgotla, sengwe se a kayang fa se tshwenya. Kgosi Mokgadi a re tsholofelo ke gore fa diofisi tseo di wela, ba tlaa bona bonno jo bo phuthologileng mme a re leobo le tlaa tswelela le ba thusa ka nako ya diphuthego kgotsa bokopano bope jo bo ka dirwang mo kgotleng. O bile gape a re lone leobo le tlaa solegela ditlhopha tsa bodiragatsi tse bangwe banana ba motse ba di tlhamileng go ka tshwarela ikatiso ya bone mo go lone. Go sale foo, Kgosi Mokgadi o galaleditse mananeo a puso a a tsweletseng ka go goroga mo motseng a supa fa a na le motlhala. A re batlhoki bangwe ba sa tswa go agelwa matlo a bonno a boleng jo bo kwa godimo ka lenaneo la ga Tautona la go agela batlhoki matlo. politics 7 Monna o tlhabile mokapelo ka thipa Mapodisi a Bokspits a tlhotlhomisa kgang e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi a belaelwang a tlhabile mokapelo wa gagwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano ka thipa mo mokwatleng ka Tshipi. Mookamela mapodisi a Bokspits Superintendent Berman July o tlhalositse gore rre yoo, o ne a nna le mokapelo wa gagwe kwa ga mmaagwe mosetsana, mme ba na le ngwana. Supt July a re tlhokakutlwisisanyo e tsogile morago ga gore ba rerisanye gore ba batle ntlo go e hirisa gore ba fuduge mo lolwapeng lwa bo mosetsana. Go bolelwa fa rre yoo, a ne a batla ntlo eo mme ya re morago ga go e bona, a kopa mokapelo gore a lebise mosadimogolo mafoko a gore jaanong o a fuduga, mme mosadimogolo a gana gore ngwana wa gagwe a tswe mo lwapeng, ka mabaka a gore monna yoo ga a a mo nyala. Selo seo se ne sa tsosa kgaruru, fa mosetsana a bolela fa a se kake a fuduga kwa ntle ga tetla ya batsadi ba gagwe. Supt July a re rre yoo o ne a gatelela mokapelo gore ba fuduge kgatlhanong le thato ya motsadi. Mosetsana o ne a felela a kopa gore ba kgaogane. Go bolelwa fa go ne ga thunya ditlhase fa rre yoo a tsaya thipa a bo a mo tlhaba ka yone mo mokwatleng gaufi le legetla la molema. Mme yoo o ne a ragosediwa kwa kokelong ya Tsabong kwa a fetileng a robadiwa teng. Supt July a re molwetse o a sidilega, mme rre yoo ene o mo diatleng tsa mapodisi fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. O tlhalositse fa monna yoo, a tlaa isiwa fa pele ga lekgotla mo bekeng eno, mme fa a ka bonwa molato o tlaa tsenngwa mo kgolegelong ya dingwaga tse di sa feteng bosupa. Mo kgannyeng e nngwe, Supt July o bolela fa ba tshwere banna ba le bararo ba Struizendam mabapi le molato wa go tlola molelwane kwa go sa tshwanelang teng mo nakong eno ya kiletso mesepele go thibela kanamo ya mogare wa Corona. Mogolwane wa mapodisi a re banna bao ba tshwerwe ba tswa tirong kwa dipolaseng tsa Afrika Borwa gaufi le Struizendam. Banna bao, ba dingwaga tse di masome a mararo le bobedi, masome a mabedi le boferabongwe le masome a mabedi le bongwe. A re ba tloletse kwa Afrika Borwa Motsheganong e tlhola malatsi a le mane, mme ba tshwarwa ka Tshipi, Motsheganong a tlhola malatsi a le lesome. Supt July a re ba tshwere banna bao morago ga go lemoga metlhala ya bone fa ba disitse molelwane. O tlhalositse gore mo letsholong leo, mapodisi ba ne ba itemogela metlhala e e supang gore bangwe ba santse ba tlola molelwane go ya Afrika Borwa. A re mapodisi ba ne ba lalela banna bao, mme morago ga foo ba ba tshwara kwa malwapeng a bone mo Struizendam. Banna bao, ba ne ba atlholwa P200 mongwe le mongwe wa bone, ba bo ba isiwa kwa go ba botsogo gore ba ba tsenye mo serubing kwa Tsabong, go itsa kanamo ya mogare wa Corona. Supt July o tlhalositse gore bontsi jwa batho ba tshwere ka natla go sala morago melao ya kiletso mesepele ya COVID-19, ba nna ka go katologana gape ba rwala tse di itshireletsang mo melomong. O akgoletse banni go sala molao morago mme a kopa gore go tswelelwe fela jalo. crime_law_and_justice 1 Thuto ga e golelwe e tswa maduo Bagodi ba kgotla ya Matlapana kwa Maun ba re thuto ga e golelwe e tlhabolotse matshelo a bone. Mo potsolotsong bosheng, moithuti, Mme Basinyi Mkumbi a re lenaneo le le mo solegetse molemo ka a setse a kgona go kwala leina la gagwe. O tlhalosa gore o setse a kgona go kwalela le bana ba gagwe ba ba berekelang kgakala melaetsa ka mogala wa letheka le go bala fa ba mo kwaletse. Moithuti yo mongwe, Mme Tlhalosang Tsele a re o itumelela lenaneo le ka a setse a dira lekwalo la bobedi. A re le ntswa a kgonne go fetela kwa lekwalong la bobedi, ga a ise a kgone go kwala le go bala sekgoa sentle mme Setswana le dipalo ga di mo tsenye dingalo go le kalo. Mme Tsele a re nako e ba nang le yone ya go ithuta e e leng dioura tse pedi ga e a lekana ka gape e le babereki ba Ipelegeng, mme a re le ntswa a na le ditiro tsa gagwe kwa lwapeng, tiro ya sekole o e fa nako e bile e tla pele ga tsotlhe. Morutuntshi, Rre Kebonye Gosekwang, yo e leng monana, a re nako e baithuti ba e filweng e nnye ka bagodi ba tsaya lobaka go tlhaloganya se ba se rutwang. A re bagodi bangwe ba nna le ditshwarego mme morago ba boele dithutong ba setse ba lebetse se ba setseng ba se rutilwe, selo se a reng se kgoreletsa tswelelopele. O tlhalosa gore nako ya dipula ke nngwe ya dikgoreletsi ka ga go na kwa ba ka tshabelang teng mme ba felele sekole se felele se tswa ka bonako. Rre Gosekwang a re o ne a eletsa gore ka e se botlhe ba ba abetsweng mo dithutong tsa go kwala, go ka bo go dirwa gore go nne le thulaganyo ya go rutela bagodi bangwe tiro ya diatla gore ba kgone go tlhabolola matshelo a bone. A re le fa baithuti ba sena go fetsa lokwalo lwa bosupa, ba fiwa ditlankana mme ba seke ba fiwe sebaka sa go ka tswelela le dithuto kwa dikoleng tse dikgolwane. education 4 Venson-Moitoi o itekodisa batlhophi Mopalamente wa Serowe Borwa, Dr Pelonomi Venson-Moitoi, a re ga a na go emela ditlhopho tsa 2019. Le go ntse jalo, a re o ikaelela go ipapaletsa maemo a boeteledipele jwa lekgotla la mafatshe a Aferika la African Union., Dr Venson-Moitoi o ne a tlhalosa fa ditlhopho tsa maemo a, di tlaa tshwarwa ka Seetebosigo mme go itshupile fela mafatshe a le mararo a a nang le kgatlhego ya go ema,. Dr Venson-Moitoi o boletse mafoko ao mo diphuthegong tsa kgotla kwa Mogome le Madiaela bosheng, a re e ne ya re morago ga gore moetelediple wa nako eno, Dr Nkosazana Zuma, a sena go tlhalosa fa a batla go ikhutsa morago ga go direla lekgotla leo dingwaga tse nne, Botswana a supa kgatlhego, morago lekgotla la SADC la kopanela kgang eo mme la dumelana ka leina la gagwe ka a ne a supa kgatlhego. O ne a supa fa phadisano e ya go nna mashetla, mme a kopa kemo nokeng ya batlhophi ba gagwe le gore ba mo gololele mowa ka dithapelo, a bo a re fa a ka bona maemo ao, go tlaa re ba itlhophele moemedi yo bone ba bonang a ka ba emela kwa palamenteng. DR Venson-Moitoi, yo gape e leng tona wa tsa mafatshe a sele, o ne a kopa khansele gore ba ne ba sekaseka dipalo tsa ipelegeng, ka bontsi jwa batho ba ba mo kgaolong ya gagwe dipalo tsa bone di sa balelwe mo go yone ka e le batho ba dikgaolo tse dingwe tsa bopalamente, a tlhalosa gore e re ka dinako tsa temo go okediwe dipalo ka jaanong ba a bo ba le kwa masimo. Kgosi Balebetse Sisinyi wa Mogome a re lenyora le ba apesitse kobo ka letshoba ka sengwe le sengwe se eme tsi! ka mathata a metsi. O ile gape a re e re ka Setswana se re moseka phofu ya gabo ga a swe lentswe ba sa ntse ba ikuela ka tsela ya Mogome/Mokgware, boroko ja mokentsi, badiredi le motlakase. Banni ba Mogome ba ne ba re go sa wediwa ga kago ya ntlo ya molemisi go ba beile ka fa mosing ka ba sa kgone go tlhatlhoba dikgomo sa bone fa ba batla go pega. Ba ne gape ba re letlhoko la koloi ya kokelwana le go tlhaela ga baoki le gone ke mathata. Ka kgang ya dituelo tsa metshameko ya kgaolo, go ne ga supega fa ba ya go duelwa mo ngwageng one wa madi le gore ditlhopha tsotlhe tse di kolotiwang melala le yone e tlaa duelwa. Kgosana Abram Thuto wa Madiaela ene o ne a kgothatsa morafe wa gagwe go agelela masimo a bone ka lenaneo la puso le teng, a re mo nakong eno go ka bo go sena ope Motswana yo o jelwang ke leruo masimo ka puso e thapholotse letsogo go ba thusa ka diterata. Erile a araba, maphata ka bongwe ka bongwe a supa fa a semeletse go thusa banni ba metse e ba direlang mo go yone ka gotlhe mo ba nang le gone, ka kgang ya metsi go ne ga tlholosiwa fa didiba di senyegle, mme go thapilwe kompone e e tlaa di baakanyang gore ba bone metsi, fa mo nakong eno ba nosiwa ka koloi. Batlhophi ba ne ba eleletsa mopalamente wa bone katlego mo tlhophong ya gagwe ya AU ba re a Modimo o mo segofatse. Rre Joseph Kgokgothwane o ne a re ke lesego le le gaisang fa Batswana ba tlhophelwa maemo a a tshwanang ao ka a ka baya lefatshe leno mo seemong se se kwa godimo le go tlotlomatsa serodumo sa Batswana. Morago, Dr VensonMoitoi o ne a abela sekole sa Mokgware paka ya metshameko le dibolo di le lesome, fa ba Mogome bone ba ne ba bona dibolo fela. Fa a leboga, mokhanselara wa Mogome/Mokgware, Rre Lesedi Phuthego o ne a lebogela khansele go bo e tsweletse ka go ba gopela tsela ya Mogome/Mokgware, a bo a tlhalosa fa lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP le ya go aga kgotla ya Mokgware le go e neela koloi. O ne a kopa puso go seka seka go dirwa ga tsela ya Mokgware a re e ka fokotsa mosuke mo tseleng e tona ka batho ba ba yang Serowe ba ka e dirisa go kgabaganya. O ile gape a kopa ba lekalana la Gender Affairs go oketsa bodiredi gore ba thuse batho sentle. Bokhutlo politics 7 Fefogelang kwadiso matsalo - tona Tona wa tsa Pereko le Selegae, Rre Edwin Batshu, a re batsadi ba ba sa kwadiseng matsalo a bana fa ba sena go tsholwa ba direla bana bosetlhogo ka go felela go sa itsege mo lefatsheng leno gore a bana bao ba teng mo botshelong. A re ngwana o tshwanelwa ke go kwadisetswa matsalo mo malatsing a le masome a marataro a sena go tsholwa mme fa motsadi a sa dire jalo o a bo a tlola molao. Rre Batshu o ne a bua jalo kwa phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa Sefhare ka Labone. O ne a re go mosola thata go kwadisa matsalo ka gore pele fa puso e dira ditogamaano tsa ditlhabololo go lebiwa dipalo tsa batho. A re fa batsadi ba sa dire gore ba kwadise matsalo a bana ditlamelo dingwe tse di fiwang Batswana di tshwana le dikole, dikokelo, dipilisi kana mekento mengwe ya bana di tlaa tlhaela ka go tlaa bo go dirwa go lebilwe dipalo tse e seng tsa boammaaruri e le tsa ba ba ikwadisitseng. Rre Batshu a re kgang e nngwe e e tshwanetseng e dirwe ke ya go kwadisa dintsho ka puso e tshwanetse go itse gore dintsho tse di diragalang di dirwa ke eng kgotsa di diragala go rileng. A re seo se ka thusa puso go tsaya ditshwetso dingwe. A re fa motho a sena go tlhokafala leso la gagwe le tshwanetse le kwadisiwe malatsi a le masome a mararo a ise a wele. Rre Batshu o tsweletse a re fa ngwana a tsena mo dingwageng tse di lesome le borataro motsadi o tshwanetse a tsee boikarabelo jwa go mo direla Omang. A re Omang ke yone konokono ka o batlega gongwe le gongwe kwa go tsewang dithuso teng mo lefatsheng leno. Rre Batshu yo ebileng gape e le mopalamente wa Nkange o tsweletse a tlhalosetsa banni gore fa ngwana a tsholwa mo lefatsheng leno mme motsadi yo mongwe wa gagwe e le motswakwa o nna le boagedi jo bobedi. A re ngwana yoo o tsaya boagedi jwa motsadi wa gagwe wa Motswana le boagedi jwa motsadi wa motswakwa mme fa a goroga kwa dingwageng tse 21 o tlaa bo a na le tshwanelo ya go itlhophela gore o tsaya boagedi bofe. O tsweletse a re fa ngwana yoo a sa itlhotlhore boagedi jo bongwe ka nako e e tshwanetseng go felela go tsewa gore o tsere boagedi jwa motsadi wa gagwe wa motswakwa mme go bo go tla go nna dingalo gore a dire dilo dingwe di tshwana le dipasa. A re kgang eo e tshwentse fela thata mo lefatsheng leno ka Batswana ba sena kitso e. Rre Batshu o ne a tlhalosa fa pasa e ntsha e e neng ya dirwa e le ya boleng jo bo kwa godimo ntswa Batswana bangwe ba re e turu. A re pasa eo ga e turu ka puso e duela madi a mantsi go e dira mme Batswana ba ba e tsayang ba duela a mannye. A re e kgologolo e ne e tsenya dingalo ka go ne go le motlhofo gore motho a ka e utswa a bo a e itirisetsa. A re fa pasa eo e ka tswa mong wa yone ka botlhaswa ga go motlhofo gore a e dire ka a tlaa tshwanelwa ke gore a nne ngwaga a ise a e direlwe. Rre Batshu a re o tshwentswe ke gore Batswana bangwe ba boitseme ka ba nna fela go bo go felela ditiro dingwe di tshwana le tsa go disa leruo di dirwa ke batswakwa. O ne a kopa Batswana go emisa mokgwa wa go tlhopha ditiro. O ne a tswelela a re fa motswakwa a filwe teseletso ya go gweba mo lefatsheng leno o a sekasekiwa mo dingwageng tse a tlaa bong a le mo lefatsheng leno gore a ga a na botlhabetsi mme fa a ka lemogwa a na le botlhabetsi molao o letla gore a busediwe kwa lefatsheng la gagabo ntleng le go ya kwa makgotleng a ditsheko ka Botswana e le lefatshe la kagiso. BOKHUTLO politics 7 Dikoporase di a phutlhama - Shibaloko Mogolwane wa komiti ya dikoporase tsa baikopanyi ya Moshupa, Rre Phillip Shibaloko o tlhalositse fa dikoporase ka kakaretso di sa tsoga, di phutlhama ka bontsi. A re se, se dirwa ke go tlhoka boeteledipele jo bo nonofileng e bile bo iteilwe seatla. Mo potsolosong bosheng, Rre Shibaloko o boletse fa dikoporase di rulagantswe ke morafe ka bo one, mme ba tlhopha maloko mo morafeng gore a tsamaise dikoporase. Rre Shibaloko a re ga go lebiwe bonatla jwa motho le kitso ya go tsamaisa dikgwebo, ke sone se di phutlhamang jaana. Rre Shibaloko o boletse fa maloko a le boitseme go tsena diphuthego ka gore ga ntsi ba nna ba tshwaregile fela, a tlatsa ka go supa fa bangwe ba maloko ele balemi barui, fa bangwe ba ipereka. A re dikoporase tsa Moshupa di sa ntse di tsweletse mme sebe sa phiri ke gore go thata go kopana go tlhatlhoba dibuka tsa madi. O ne gape a supa fa maloko a tsaya lebaka go tlhopha komiti e ntsha, bothata e ntse e le jone jwa go tlhoka go kopana sentle ntateng ya ditshwarego. O boletse fa maloko a tlola melawana mengwe e puso e e beileng. A re ga go boammaruri gore koporase ya bone ya Moshupa e simolotse go itsa batho go baya madi kwa go yone, a bolela fa boammaruri e le gore dikoporase di beela maloko madi fela, mme ka ntata ya mowa wa bojammogo le boutlwelobotlhoko ba ne ba tlola molao, ba kwadisa ba bo ba beela mongwe le mongwe madi, a tlatsa ka gore mme ba simolotse go rotloetsa batho go isa madi kwa dibankeng. Rre Shibaloko o boletse gape fa molao wa dikoporase o sa letlelele mekgatlho go baya madi kwa go bone le go beela batho ba eseng maloko madi. A re koporase ya bone e tlodile melawana ya dikoporase, mme ya nna boutlwelobotlhoko go beela mongwe le mongwe. O boletse fa maloko a tshwanetse go nna masome a mabedi fela mme ka ntata ya boutlwelobotlhoko, koporase ya Moshupa e kwadisetse banni ba feta 7000 mo Moshupa fa mekgatlho yone e le 320, a bolela fa jaanong gole thata fa maloko a rotloetsa batho go isa madi a bone kwa dibankeng; ka ba a gana, ba tsaya gore ba rontshwa ditshwanelo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Tshwaragano e ka tsisa maduo Modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng a re sekole se sebotlana sa Takatokwane se ka dira sentle fa batsadi le barutabana ba ka tshwaragana. E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Takatokwane bosheng, Rre Tlotlo Batlhophi a re batsadi ba tshwanetse go emela thuto ya bana ka dinao gore sekole se ntshe maduo a a nametsang. O supile fa maduo a sekole sa Takatokwane a sa kgatlhise gotlhelele, mme a supa fa tirisano mmogo le tshwaragano ya batsadi le barutabana e le yone fela thulaganyo e e ka thusang go tokafatsa maduo a bana. A re le fa batsadi bangwe ba ne ba seka ba nna le lesego la go tsena sekole, le bone ba ka nna le seabe se setona mo thutong ya bana ba bone, ka go netefatsa gore bana ba apere sentle e bile ba fitlhotse pele ga ba ya sekoleng. A re dikole tse di dirang sentle mo lefatsheng leno, di ntsha maduo a mantle ka ntlha ya gore batsadi le barutabana ba dirisana sentle, ka jalo a kopa batsadi ba Takatokwane go pataganela bana le barutabana gore ba agele bana ba bone bokamoso jo bontle. Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole, Rre Kgaogano Pagiwa o ne a supa fa batsadi bangwe ba ikgogetse morago mo thutong ya bana, a kaya fa ba sa tsibogele dipitso tsa ko sekoleng, mme a re go dira jalo go gogisa barutabana bokete. Rre Pagiwa o rotloeditse batsadi go etela sekole go bona gore bana ba dira jang, a tlhalosa fa ba butse dikgoro gore fa batsadi ba ngongorega ka sepe fela, ba ba itsise ka gore ba ka kgona fela fa ba tshwaragane mmogo. Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Mme Peolane Modisaotsile o ne a bua a menne phatla ka mosola wa go dira mmogo ga batsadi le barutabana mo thutong ya bana. A re ga a jesiwe diwelang ke go goga dinao ga batsadi fa go tla mo thutong ya bana bogolo jang ka ba palelwa ke go tsena diphuthego tsa sekole go utlwa gore matsapa di a tsaya kae. Motlhatlhelela-barutabagolo mo lenaneong la thuto-ga-e-golelwe kwa Takatokwane, Rre Alfred Tutu a re bontsi jwa batsadi ba motse oo go lebega ba sa itse bomosola jwa thuto, ka a re le lenaneo la thuto-ga-golelwe ga ba le kgatlhegele. O supile fa thuto e le botlhokwa thata mo botshelong jwa segompieno ka jalo e tshwanetse go tsewa tsia ke ba-na-le seabe botlhe go akarediwa batsadi,baithuti le barutabana. education 4 Kgosi o kopa batsadi go kgalema bana Kgosi ya Maboane mo kgaolong ya Letlhakeng Bophirima, Kgosi Tirelo Motseonageng, o supile fa a tshwenngwa ke boitseme jwa batsadi bangwe mo motseng wa gagwe, ba ba palelwang ke go kgalema le go kaela bana ba bone tsela e e tlhamaletseng. Kgosi Motseonageng o ne a ntsha matshwenyego a mo potsolotsong bosheng. A re motse wa gagwe o aperwe ke botlhoka tsebe jo bo kwa godimo fela thata mo bananeng mme se se dirwa segolo bogolo ke go tlhoka kgalemo e e nonofileng go tswa mo batsading, go supa fa ba kgathala ka bokamoso jwa bana ba bone. Kgosi a re banana ba motse wa gagwe ba inaakantse le go dira dilo tse di maswe e bile di fatlha, jaaka go itontela majalwa, go lwa e le baratani mmogo le gone go utswa leruo; mo jaanong go setseng go senya le leina la motse, ka jaanong o fetogile motse wa diganana. A re o setse a kile a tshwara dikgetse di le mokawana, tse di amanang le jone bogodu jwa leruo, e bile le botsadi o setse a kile a bo bitsa go tla go thusanya, ba buisanya ka boitsholo jwa bana mo motseng. A re le matsapa a tserwe go le kana; ga go phetogo epe e e bonalang. A re ka mabaka a mangwe o a tle a tseye matsapa a go bua le bone banana go ba gakolola ka dipe tse di ka tswang di ama matshelo a bone; bogolo jang dikgang di tshwana le go tsaya ditshwetso tse di seng maleba, jaaka go lwa le go bolaana fa lerato le fedile; a supa fa e se tharabololo. Mme o ne a wela ka go kgothatsa banana, bogolo jang ba basimane gore, ‘monna ga a fele’, ka jalo ba itse gore fa lerato le fedile le a bo le kgaritlhegile; ke ka moo go tweng, ‘se ileng se a bo se ile, moselatedi ke lesilo. Mo go tse dingwe, Kgosi Motseonageng o ne a bolela fa a sa robatswe ke letlhoko la boroko jwa babereki mo motseng wa gagwe, mo e bile go dira gore bangwe babereki ba tlhoke go ya go direla koo; fela ka ntata ya lone letlhoko la boroko. Le fa go ntse jalo, o boletse fa gone tirisanyo mmogo e le teng magareng ga bodiredi jo bo teng mo motseng le morafe ka kakaretso. Fa a itebaganya le dikgang tsa metsi, Kgosi Motseonageng o boleletse lekalana la BOPA fa motse wa gagwe o aperwe ke lenyora. A re fa e sale ba kompone ya metsi ya Water Utilities ba tsaya ditirelo tsa metsi mo go ba khansele, motse wa gagwe o tshelela mo letlhokong le le kwa godimo la metsi. O boletse fa dingwe dipompo di sale di tswalwa, mme go dirisiwa pompo e le nngwe fela mo motseng; kgang e a supileng e ba tshedisetsa mo kgobedung. A re le kgang e motse wa bone, e leng Maboane le metse e mengwe jaaka wa Takatokwane le Dutlwe e nosiwang ke tanka e le nngwe fela ka teng, go ba tshwenya le go feta ka go baka tlhaelo e ntsi ya metsi. A re ba sale ba ikuetse kwa go ba WUC, ba ba ileng ba ba tshepisa go araba dilelo tsa bone; mme nako kgolo ke eno. E ntse e le kwa Maboane, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Olemogeng Thuto, o boletse fa mananeo a a itebagantseng le go tlhabolola matshelo a batho, a a kwa motseng oo, a dira ka bonya; a kaya fa lenaneo la nyeletso lehuma le ise le nne le maduo ape a a kalo ka ntata ya go tsisiwa ga ditlamelo tsa lone ka bonya. Mo go tse dingwe modulasetilo o ne a bolela fa ba na le kgwetlho ya dikoloto tsa batho ba ba hirisitseng matlo a komiti ya ditlhabololo mme ba sa ikaelele go duela. A re ba lekile ka bojotlhe go nna fa fatshe le bahirisi bao go ba lemotsha botlhokwa jwa go duela, mme ga go nko epe e tswang lemina. O ne a bua jalo a tlhalosa fa jaanong ba le mo thulaganyong ya go ba tseela dikgato tse di maleba ka bangwe ba bone ba setse ba hudugile koo ka tiro ba direla go sele. BOKHUTLO education 4 Tshipe o ngongoregela ditlamelo Mothusa kgosi kwa Mahalapye e bile e le leloko la Ntlo ya dikgosi, Kgosi Tshipe Tshipe o ngongoregile ka letlhoko la ditlamelo di tshwana tlhaelo ya bodiredi, tlhaelo ya boroko jwa bodiredi jwa makgotla a Setswana, tlhaelo ya diofisi gammogo le le tlhaelo ya dipalamo. Kgosi Tshipe o ntshitse ngongorego ya gagwe mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa Mahalapye Bophirima Rre Joseph Molefhe e mo go yone a neng a lekodisa batlhophi ba kgaolo ya gagwe ka dikgang tse di buisantsweng mo phuthegong e fetileng ya palamente le go tsaya megopolo go e isa kwa phuthegong e e tlang ya palamente. A re e re ntswa lephata la tsamaiso makgotla a Setswana e le lengwe la maphata a matona, o swabisiwa ke go bona makgotla a Setswana a santse a saletse morago mo go tlhabologeng ntswa le dira tiro ya go bopaganya setshaba le go somarela ditso le dingwao tsa Batswana ba merafe e e farologaneng. A re letlhoko la boroko le tlhaelo ya diofisi le dira gore babereki ba makgotla a Setswana ba seka ba dira tiro ya bone ka bokgabane ntateng ya go kopanela diofisi le go nna sentle kwa malwapeng ka jaana bangwe ba bone ba patelesega go kopanela ntlo ya boroko. Dingwe tse kgosi Tshipe a ngongoregileng ka tsone ke boranyane jwa tiriso ya Gabs jo a tlhalositseng fa bo ise bo tsenngwe mo kgotleng ya gagwe mo go dirang gore batho ba supe lephata la gagwe ka monwana ka go tsaya lobaka ba ise ba kgone go duela batho dituelo tsa bone ntateng ya go tlhoka boranyane jwa Gabs mo kgotleng ya Mahalapye. Kgosi Tshipe o tsweletse ka go bolela fa dingwe tse di ba tshwenyang e le tlhaelo ya metsi mo Mahalapye, tiego ya go baakanngwa ga ditsela tse di mo motsing le go lekalekanya kgotla ya Mahalapye ka maemo le dikgotla tsa Shoshong,Sefhare, Mookane le Ramokgonami ntswa kgotla ya Mahalapye e le mo motseng o o okametsenbg kgaolo potlana ya Mahalapye jaaka dikgaolo tsa botlhophi tsa Shoshong, Tswapong Borwa, Mahalapye Botlhaba le Bophirima. E rile motshwarelela modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Rre Goabaone Mompati a bua mo phuthegong eo, a kopa mmuso go sekaseka go baakanya melawana e e tsamaisang makgotla a ditlhabololo le melawana e e tsamaisang lenaneo la Ipelegeng ka jaana go lebega e siilwe ke nako. Rre Mompati a re lefa Ipelegeng e na le melawana ga se gantsi e salwa morago. BOKHUTLO politics 7 Go kwadisa ditsha go kwa tlase kwa Kweneng Go tlhalosiwa fa go kwadisa ditsha mo kgaolong ya Kweneng go le kwa tlase fela thata, go supiwa fa go tsamaya kwa go 36.6 per cent. Modulasetilo wa lekgotla le le botlana la kabo ditsha la Molepolole, Rre James Ellard, o tlhalositse fa mangwe a mathata a ba a itemogetseng e le gore batho bangwe ba ipeile fela bogolo jang kwa Mogoditshane, a supa fa bangwe ba ne ba rile ba rekisa ditsha tsa bone ka ntlha ya go palelwa ke go di tlhabolola, mme e re fa ba ba solofeditseng go reka ba sena go di tlhabolola ba bo ba aja semenogane, fa bangwe ba utswile ditsha tsa ba bangwe. Mogolwane go tswa kwa lekgotleng le le botlana la kabo ditsha la Letlhakeng, Mme Doreen Kenaleeng, o ne a supa fa setlankana se se neng se dirisiwa sa ntlha se ne se sa diririsiwe go adima madi kwa bankeng, mme sa gompieno motho a kgona go adima madi ka sone. O supile fa ka nako e e fetileng, e ne e re fa batho ba tseelwa lefatshe, go bo sa lebelelwe boleng jwa lefatshe le le foo, mme gompieno dilo tseo di tlaa lebelelwa. Mme Kenaleeng o tlhalositse gape gore ga go letlelelwe batswakwa go rekisediwa lefatshe, a supa fa le tshwanetse go bapadiwa malatsi a le masome mararo pele ga batswakwa ba ka le rekisediwa. Mokhanselara wa Ngware, Rre Selatlho, o ne a supa fa ba itumelela go rerisiwa ka diphetogo tse di tlaa diragalang kwa makgotleng a kabo ditsha, a supa fa go tlaa ba thusa go bolelela morafe boammaaruri e seng go leka go ba itumedisa. O ne a supa matshwenyego a batho ba ba nnang kwa mafelong a a sa kwadisiwang ka fa molaong, a supa fa ba tlaa amega ka nako ya ikwadiso ditlhopho. Modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng e bile e le mokhanselara wa Takatokwane/Dutlwe, Rre Tlotlo Batlhophi, o ne kopa ba kabo ditsha go fefogela go tsibosa setshaba fa go na le diphetogo kwa lekgotleng, a supa fa mo nakong ya gompieno go lemotshega fa go sa letlelelwe gore motho a fetisetse setsha sa gagwe kwa go yo mongwe fa se le sengwe fela, mme setshaba se sa itse se. O ba kopile gape gore ba ne ba kopa batho ba ba kgakala le ditlamelo go ikagela matlo a Setswana fa ba sena go fiwa ditsha, a supa fa mo nakong ya gompieno bangwe ba kgona go nna fela ba sa ikagele ba re ba letile gore ba agelwe ke puso. Le fa go ntse jalo, go supagetse fa metse ya Letlhakeng, Serinane le Ditshegwane e le yone e di gogang kwa mogatleng mo go kwadiseng ditsha. BOKHUTLO politics 7 Kgosi o lela ka botho jwa banana Banana bangwe ba Palapye ba tshedisa banni ba koo mo letshogong ka ba tsamaya ba ba tlhorontsha. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Potlako Boapotswe Ketlogetswe wa kgotla ya Madiba kwa Palapye a re ga a robatswe ke maitsholo a banana, segolo bogolo ba kgotla ya gagwe. O boletse fa banana ba, ba ipitsa Mashari le Mabokohara mme ba inaakantse le botlhoka tsebe, go sa tlotleng batsadi, go lwa, go tsamaya ba betsa batho, bogodu, go dira boithatelo le lenyatso gammogo le go nwa bojalwa phetelela mo go ba bayang mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetsi a tshwana le HIV/AIDS. Kgosi Ketlogetswe o tlhalositse fa digongwana tse tsa banana di tsamaya di bolaya di bo di rekisa leruo la batho, di dira lenyatso mo dintshong ka go tlhatlola dipoto tsa nama ba bo ba e e ja gammogo le go betsa batho mo motseng le kwa maitisong. O tsweletse a re ka ntlha ya maitsholo a makgphila a, morafe o setse o tshaba go tsamaya mo motseng maitseboa le baeng ba tshaba go tla diphitlhong kwa Palapye. Kgosi a re go tlhabisa ditlhong e bile go utlwisa botlhoko go bona bana fela ba ba santseng ba le ba botlana ba itshenyetsa bokamoso ka go ipitsa ka maina a ditsuolodi e bile ba inaakantse le go gogagoga leina la motse wa bone mo seretseng ntswa go na le mananeo a puso a ba ka itshetsang ka one. A re banana ga ba na tlotlo mo batsading gotlhelele e bile ga ba kgalemelesege, a tlhalosa fa ba sa dumedise batsadi, mme e bileng ba kgona go sunana fela fa pele ga bone ere ba kgalemiwa ba botse mogolo gore a o tswa pelo. O supile batsadi ka monwana a tlhalosa fa ba na le seabe se setona mo go tlhokeng tsebe ga bana ka a re ba ba paledisa go laola seemo le go dira tiro ya bone ka botlalo. A re go na le gore ba thusane bana, ba ba kgarameletsa kwa kgotleng ba bolela fa ba ba tshaba, mme fa bana ba tshwanetse go ya kgolegelong batsadi e ntse ele bone ba a ba golola, ba re ba kopa gore ba kgalemelwe fela ba bo ba tlogelwa, mme morago ga moo ba tswelela ka go dira melato e mengwe. Kgosi Ketlogetswe a re ele ba bogosi ga ba a sireletsega, e bile ba setse ba tshaba go sekisa bana ba phuthulogile ka ke diganka. A re banana bao ba dira molato fela mme fa ba biletswa kwa kgotleng ga ba tle e bile ba ipoka gore bone ga ba sekisiwe ke dikgosinyana. Le fa ntswa a tlhalosa gore ekete seemo se a tokafala, o kopa puso go ntsha mapodise a a tla theogelelang kwa dikgotleng tse dinnye gore ere fa ba sekisa ba bo ba na le bone nako tsotlhe. Mo godimo ga moo a re puso e ba fe tetla ya go kgwathisa ka ba setse ba tswewa ele ditshosa fela tse di ntseng mo dikgotleng ka go itsiwe gore ga ba na dikatlholo dipe tse di gagametseng. O boletse fa Palapye a na le ditlhabololo tse di ngokang batho go tswa kwa mafelong a mangwe jalo a kopa batsadi go emela bana ba bone ka dinao ka a bolela fa a batla go bona seemo se se nyeletse batho ba tshela ka tshosologo. Kgosi Ketlogetswe o tsweletse a tlhalosa fa a tshwenngwa gape ke batho ba ba neelang batswakwa ba ba tseneng mo lefatsheng e se ka fa molaong boroko mo malapeng a bone. A re ba setse ba kile ba tshwaragana le bothata jwa dintsho tsa batswakwa tse di ileng tsa ba pateletsa go ba kopela mabitla mono ka go sa itsewe masika a bone. O tlhalositse fa batho ba ba felela ba amega mo borukutlhing fa ba setse ba bolawa ke tlala jalo a kopa ba sepodise go ba thusa ka seemo se. crime_law_and_justice 1 Leshomo ke kgosi kwa Malokaganyane Kgosi Joseph Leshomo wa Malokaganyane o lebogile magosi le botsadi jo bo neng bo eme nokeng peo ya gagwe ya go nna kgosana ya Malokaganyane. Kgosi Leshomo o tlhalositse fa a itse gore bogosi ke maemo a a nang le tiro e e seng motlhofo, mme a solofetsa morafe gore o tlaa tshwaragana le bagolo ba motse le morafe go tsisa ditlhabololo. O buile jaana fa a ne a bewa kgosana bosheng, mme o tlhalositse fa a itse gore go na le diteko tse di ntsi, mme o ikemiseditse go dira ka natla go itebaganya le tsone. Kgosi Leshomo o supile fa Malokaganyane a santse a le kwa morago ka ditlhabololo, ka jalo o ikaelela go di kgarametsa, segolo jang sekole se sebotlana. A re bana ba tsena dikole tse dipotlana kgakala kwa Dinatshana, Pitsane le Photlhokwe. E rile a bua mo potsolotsong le Le fa go ntse jalo, Kgosi a re ga a jesiwe diwelang ke banana ba ba gogang dinao go tsaya mananeo a puso. O papamaditse fa tlhabologo ya motse e retela ka ntata ya gore banana ba ikganelela kwa ditoropong, mme e le bone ba ka thusang go tlhabolola metse. O supile fa ba leka go ngoka banana le go ba tsaya tsia ka go dira metshameko mo motseng. Kgosi Leshomo o itlamile gore o tlaa dirisanya le kgosana Goitsemodimo Sedietso yo a ntseng a mo tshwareletse setilo, mme a supa fa a tlaa tsaya dikgakololo mo go ene. E rile a ntsha dikgakololo tsa gagwe, Motshwarelela bogosi jwa Barolong, Kgosi Botiki Motshegare o ne a akgola Kgosi Sedietso go bo a ne a tshwareletse Kgosi Leshomo setilo ka bonatla, gape go rena kagiso. O sedimoseditse Kgosi Leshomo gore go busa morafe wa segompieno go tla ka diteko tse di farologanyeng, jaaka go latlhegelwa ke ngwao le tiriso ya bojalwa. O kgadile kapei ya majalwa mo malwapeng ka jaana e le nngwe ya mathata a a mo motseng wa Malokaganyane le metse e mengwe mo kgaolong ya Morolong. O gakolotse ka botlhokwa jwa go ikitse le go itse botsadi le bogosi. “Kgosi e nna ngwana wa ntlha wa kgosi e seng bomonnawe, borangwane ba tshwarelela fela fa ngwana wa kgosi a le monnye,” a tlhalosa. Kgosi Motshegare o gateletse gore ngwao ke selo se se botlhokwa, ka e fa motho ditso, kitso le motlhala wa kwa a tswang teng. A re bogosi ke jone botshegetsi le botsweledisi jwa ngwao, mme o gakolotse morafe go nna podi-matseba ka gore ngwao e kgona go tlhabologa, bogolo jang ka gore merafe e a kopakopana. E rile a kgothatsa, Kgosi Spokes Gaborone go tswa Tlokweng a kopa Kgosi Leshomo go dirisanya le maphata otlhe a puso le mekgatlho jaaka VDC, banana le magosi a mangwe. O kopile Kgosi go gakolola banana ka bodiphatsa jwa go rekisa ditsha. society 9 Bana ba Tshegetsang ba a iteka Go bolelwa fa dikgang tsa botlhoka tsebe kwa sekoleng se segolwane sa Tshegetsang kwa Molepolole di ile tlase fela thata. Se se boletswe ke mogokgo wa sekole seo Mme Marina Ramotshabi mo potsolosong bosheng. Mme Ramotshabi a re mo nakong e e fetileng, ba ne ba nna le dikgang tsa botlhoka tsebe di le dintsi. A re mo setlheng se se fetileng, ba ne ba koba ngwana mongwe mo sekoleng morago ga go lemoga fa e le ene tshoso-e-rweleng mo go gakatseng botlhoka tsebe mo sekoleng. O ne a tlhalosa fa moithuti yoo, e ne e le mongwe wa baithuti ba ba tsileng sekoleng ka lenaneo la go boela sekoleng la Back to School. O ne a tlhalosa gore baithuti ka bontsi ba ba neng ba le mo segongwaneng seo sa botlhoka tsebe ba ne ba itharabologelwa mme e bile segongwana seo sa thubega. Mme Ramotshabi o ne a tlhalosa fa a itumelela tirisano ya batsadi le sekole ka dikgang tsa botlhoka tsebe, a tlhalosa fa batsadi ba tsibogela taletso ya diphuthego tsa sekole. O ne a tlhalosa gore tshwaragano ya motsadi le morutabana e botlhokwa fela thata mo go ageng moithuti. A re motsadi yo o kgathalang ka thuto ya ngwana wa gagwe o supa maikarabelo a magolo le go supa kgatlhego mo go ageng isago ya ngwana e e botoka. O ne a tlhalosa fa a itumelela mogopolo o o tsileng ka Kgosi Kgari III wa go abela dikole tsotlhe tsa Molepolole dikgosana go dira le tsone. O ne a tlhalosa fa dikgosana tse, di tlaa bo di thusa mo go otlhaeng bana ba ba tlhokang tsebe mo dikoleng. Ba tlaa bo ba tsaya karolo mo go rotloetseng batsadi go tsena diphuthego tsa dikole le go thusana le megokgo go tla ka maano a go tokafatsa dikole. education 4 E a re go tlogelwa tsatsing… lick to see more pictures Fa motho wa maloba a ne a re ‘e a re go tlogelwa tsatsing se ikise meriting,’ o ka re o ne a kile a kopana le Mme Eldah Mogologolo kana a bonetse botshelo jwa gagwe kwa pele. Ntswa bangwe ba na le go ineela mo diemong, Mme Mogologolo ga se bao, ka a ne a seka a itlhoboga a sena go senyegelwa ke sekole ka boimana a dira mophato wa bone kwa Lotsane. Ka go lemoga fa ngwana a ne a le mo tseleng, monana yo o ne a tshwanelwa ke go loga maano a mangwe a botshelo. Fa keletso ya go ka tsweledisa dithuto e retela, ka batsadi ba ne ba santse ba kgopisegile, a itoma molomo wa tlase gore batsadi ba nne motlotlo ka ene mo isagong. Ka go twe fa go nang le maikaelelelo go na le phenyo, seo ke botshelo jwa ga Mme Mogologolo. Fa o tsena ka motsana wa Mosolotshane mo kgaolong ya Shoshong o kopantshiwa ke lebentlele le le mmala o o lephutshe le le bidiwang Tandabala. Mo potsolosong le BOPA, Mme Mogologolo wa dingwaga tse di masome mararo le boferabobedi, o tlhalositse fa e ne e le ngwana yo o ratang dithuto e bile a dira sentle. Go tswa kwa sekoleng se sebotlana o ne a fenya ka maduo a bobedi go fitlhelela a ya kwa Lotsane a ntse a fenya ka B, selo se se neng sa dira gore le batsadi ba gagwe ba nne le tshepho ya gore ngwana wa bone o tsile go ya kgakala mo botshelong. Tse tsotlhe tsa phirima fa a ima ka a ne a tshwanelwa ke go nna kwa lapeng, go fitlhelela a thapiwa mo lenaneong la Ipelegeng ka 2000 e le yone fela tiro e a ka e dirang. Le ntswa go twe lemme ga le bolae, se se ne se sa mo kgotsofatse ka e se tiro ya sennela ruri, bogolo jang ka jaanong a ne a setse a na le ngwana wa bobedi. “Ke ne ke sa batle go nna fela ka diatla ntswa ke na le bana, ka bona gore ke eme ka dinao go jesa bongwanake,” a tlhalosa. E rile a fetsa sebaka sa gagwe a simolola go apaya mangwinya a a rekisetsa fa thoko ga tsela. O simolotse ka bopi jwa 5kg mme kgwebo ya gagwe ya gola e bile a itsege Mosolotshane otlhe gore ke Mmamangwinya. Ka 2007 o ne a abelwa setsha sa kgwebo, selo se se neng sa mo tiisa moko, ya re ka 2012 a se aga ka dipolokelo tsa kgwebo ya mangwinya, maungo le merogo. Ya re a le dingwaga di le masome a mararo le bone, ka ngwaga wa 2013 a kopa dithuso ka lenaneo la madi la banana mme kopo ya gagwe ya atlega a thusiwa ka madi a a kanang ka P72 000. Ka a ne a setse a na le dikago tsa benkele ba lephata la banana ba mo thusa go reka setoko le setsidifatsi go ka simolola kgwebo ka 2013 o ya bokutlong. Ka Modimo o sa latlhe ope, le ka go nna a ipolokela madi, lebenkele la gola la tswa kwa go bidiweng fela go twe Tandabala jaanong ya nna kompone e e bidiwang Tandabala Investment. Mme Mogologolo o na le ditoro ka kgwebo ya gagwe, keletso ya gagwe e le go dira go le gontsi mo setsheng sa gagwe jaaka marekisetso a nama gammogo le go ka dira tse dingwe dikgwebo. Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa go se motlhofo ka a kopana le dikgwetlho ka go farologana, a tlhalosa gore e rile ka 2014 kgwedi ya Phukwi, lebenkele la thubiwa mme ga utswiwa dilwana tse di lopang P23 000. Ka a ne a ikaeletse go le gontsi ka kgwebo e ya gagwe, a seka a ipona tsapa, a tsaya madi a a neng a ntse a a bolokela go gokela motlakase le go fokotsa sekoloto kwa lephateng la banana go reka setoko kgwebo ya tswelela. Morago ga kgwedi tse nne morago ga tiragalo e e maswe eo, lebenkele la thubiwa gape mme ga utswiwa dilwana tsa madi a P6 500. “Tse tsotlhe tsa seka tsa nkgoba marapo, ka tota maikaelelo ame e le go fenya dikgwetlho tse ke kopanang le tsone ntswa bangwe bone ba mpusetsa kwa morago.” Mme Mogologolo a re mo ditiragalong tshotlhe ka bobedi babelaelwa ba ne ba tshwarwa, mme a tswelela a rekisa, le ntswa a ne a seka a busediwa dilwana ka di ne tsa gapilwe ke mapodisi go ka nna bosupi ka nako ya tsheko. Ka a ne a ikaeletse go gokela motlakase, a tswelela a boloka a bo a kgona go duela bontlha bongwe jwa motlakase o mo bogompienong o tseneng. O tlhalositse gore e rile ngogola a oketsa kago ya lebenkele a bo a o gokela motlakase wa Phase 3 o o tsenngwang mo dikgwebong. A re go tlhoka motshine o, go mo utlwisa botlhoko ka le ene a ne a ka kgona go rekisetsa ba ba dirisang dikarata tseo ka e bile ba le bantsi mo kgaolong. Mme Mogologolo o tlhalositse fa kgwebo e batla motho yo o pelotelele, e bile a sa tsene mo kgwebong ka go batla madi ka kgwebo e ka se tswelele. A re dikgwebo bogolo jang tsa banana di felela di phutlhama ka bangwe ba sena lorato lwa kgwebo, a tlatsa ka go re fa o le mo kgwebong o tshwanetse le wena wa ikamogedisa, wa nna le dibuka go baya direkote. O gakolotse banana ba ba mo dikgwebong go ithuta go boloka bonnyennyane bongwe le bongwe jo ba bo bonang. A re e ne o itse go le gontsi ka kgwebo le ntswa a ise a ye dithutong dipe tsa kgwebo, ka jalo a kopa banana ba bangwe ba ba eletsang go ka tsena mo dikgwebong go ka tla kwa go ene go tla go tsaya maele le dikgakololo. Mme Mogologol, o rotloetsa banana go tsaya mananeo a puso ka tlhoafalo go tokafatsa matshelo le go tlhabolola metse ya bone. O ne a tlhalosa gape gore gantsi o bidiwa kwa sekoleng se sebotlana sa motse go tla go kgothatsa baithuti gore botshelo bo matswakabele, e bile tikologo kgotsa dikgwetlho tse motho a kopanang le tsone mo botshelong di ka se eme ope fa pele fa a na le maikaelelo a go ka tokafatsa botshelo jwa gagwe. Mme Mogologolo o leboga go menagane bogogi le banni ba motse wa gagabo ka ba nna ba mo eme nokeng. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Kalafi le nnotagi ga di tsamaisane Molomaganyi wa botsogo jwa tlhaloganyo (mental health coordinator) mo Sekgoma Mme Malebogo Motsokono o buile a sa kgwe mathe fa kalafi le nnotagi ele dilo tse pedi tse di sa tsamaisang. A re gole gantsi gona le balwetse bangwe ba ba tsayang dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV le tsa kalafi ya kgotholo e tona ba na le mokgwa wa go kopanya go tsaya kalafi e kafa gape ba itepatepantse le go nwa dino ba goga le ditagi, mme a re go dira jaana gole diphatsa fela thata mo botsogong ja bone ebile go nyafatsa kafa kalafi e tshwanetseng go bereka ka teng. Mme Motsokono o buile mafoko a, kwa pitsong ya Botsogo e e neng e rulagantswe ke ba Serowe District Health Management Team kwa motseng wa Sehunou bosheng. Mme Motsokono o gakolotse banni ba Sehunou ha kalafi le nnotagi di sa tsamaisane gothele ka jalo a re ba ba dirang jalo ba emise mokgwa oo.A re molwetse o kopanyang kalafi le nnotagi botsogo ja gagwe bosekitla bo tokafala ka nnotagi e kgoreletsa gore kalafi e bereke sentle mo molwetseng. O tsweletse gape a tlhalosa fa bontsi ja nako balwetse ba ba kopanyang kalafi le nnotagi ba tshabelelwa ke go e togela/kgaosetsa mo tseleng, a re se se bakiwa ke gone gore nako yotlhe ba abo ba inakantse le nnotagi ba ikgatlholositse botsogo ja bone. A re go togela kalafi mo tseleng go borai fela thata, mo go kgonang go baka dintsho nako e molwetse a tla a bong a re o boela gape mo kalafing, a re go kgaopetsa kalafi bogolo jang mo balwetseng ba kgotholo e tona go kgona go baka bolwetse jo bongwe ja kgotholo e tona jo bo bidiwang Multi Drug Resistant TB, a re fa molwetse a le mo seemong kalafi e kgona go mo gana gotlhele. Mme Motsokono o kopile balwetse gonna pelotelele mo kalafing ya bone ka a re etaare ko bofelong ba bone maduo a teng a nametsang. Re santse rele foo, Mme Motsokono o kopile banni ba Sehunou go tlhokomela balwala tlhaloganyo, ka a re le bone ke batho hela jaaka botlhe, a re o utusiwa botlhoko ke ditiragalo dingwe tse balwala tlhaloganyo ba dirisiwang botlhaswa, a re go dira jalo ke bosetlhogo ebile go sa supe mowa setho. O ba kopile gofa balwetse ba tlhaloganyo lorato ka nako tsotlhe, ba seka ba itse fa ele batho fela fa ba setse ba batla go ba dirisa botlhaswa. O tsweletse gape a kopa banana ba Sehunou go emisa diritibatsi tse di tshwanang motokwane, ka a re bontsi ja dintwa, dipetelelo le borukuthi di diragala morago ga batho ba sena go goga ditagi ka ba abo ba sa akanye sentle ebile ba sa itse se ba dirang. O weditse ka go kopa batho ba ba ratholang bojalwa ja setso bo akaretsa khadi le mokuru go emisa go tsenya metswako e mengwe gape mo teng ba re ba bo oketsa bogale, a re molao otlaa gagamaletsa bao ba ba fitlhelwang ba tsentse metswako e se la letelelweng mo bojalweng. O kopile batsadi go emisa mokgwa wa go rekisisetsa bana nnotagi, a re o itse fa ba le mo kgwebong mme go dira jalo ke go senyetsa bana bokamoso, ka ele bone bagogi ba kamoso. health 6 Masukwane o amogela molelo ka boitumelo Go lebanye gore Batswana ba bo ba tsweletse ka go tshegetsa le go ipelela tshwaragano ya bone. Se se builwe ke mokhanselara wa kgaolwana ya Mosojane, Rre Mbaakanyi Smart, kwa ipelelong molelo wa kgolagano kwa Masukwane ka Labotlhano, kgwedi e tlhola lesome le bongwe. Mokhanselara Smart a re e re ka go tshela mmogo ntle le kubetsano ya mothale ope e le selo se sentle, Batswana ba tshwanetse ba kgaratlhela go bona gore kagiso e e renang e ga e kgoberiwe ke sepe. O ne a supa gore e re le mororo lefatshe leno le na le diphathi tsa sepolotiki di le mmalwa, ga le ise le nne le dikgoberego dipe. A re go tshedisanya mmogo ka kagiso go nnile le seabe mo go tsiseng lefatshe leno fa le leng teng, mme ka jalo go le botlhokwa gore mosepele wa go ya pele o seka wa kgoreletsega ka gope. Rre Smart a re fa Batswana ba ka tswelela ba dibela popagano ya bone, go ka seke go nne le sepe se se emang pele ditoro dipe tsa bone. E ne e rile a akgela, Kgosi Dick Chikuba a lebogela go bo motse wa gagwe o filwe sebaka sa go ipelela popagano ya setshaba ka go amogela molelo wa kgolagano. Kgosi Chikuba o ne a supa fa Batswana ba tlamega go nna motlotlo le go ipela ba sa boife sepe ka ba dirile ka natla go tlhomamisa gore ba nna tshaba e e bopaganeng, e batho ba yone ba ratanang e bile ba tshedisanya ka kagiso. BOKHUTLO society 9 Koloi e thudile di le nne Mapodise a Serowe a tlhotlhomisa tiragalo e mo gone go fitlhetsweng dikgomo tse nne di thutswe ke koloi mo tseleng ya Orapa, dikhilomithara di se kae go tswa mo Serowe. Mo potsolosong, mogolwane wa sepodise sa Serowe, Rre Paul Molapisi, o tlhalositse fa e rile makuku a Tshipi ba begelwa fa go diragetse kotsi mo tseleng ya Orapa. Rre Molapisi a re ba fitlhetse koloi ya modiro wa Runx Toyota Corolla e senyegile thata gaufi le dikgomo tseo mme mong wa yone a sa bonale gope gaufi. Mokgweetsi wa koloi eo go bolelwa a ile a itshupa fa pele ga mapodise letsatsi le le latelang e bile a tla ka mokwalo wa ba bongaka. Le fa go ntse jalo, Rre Molapisi o boletse fa ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse le gone go batla beng ba dikgomo tseo. O kopile bakgweetsi bogolo jang ba ba dirisang tsela ya Serowe/Orapa go ela tlhoko thata dikgomo tse gantsi ka dinako tsa leuba di tsamelang ka fa tseleng di batla mafulo. A re lefelo le kotsi e diragaletseng fa go lone, le tshabelelwa ke dikotsi ka go setse go kile ga nna dikotsi di le mmalwa di bakiwa ke leruo. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Banni ba atla mogopolo Balete ba supile fa ba atla tshutiso e e ntshitsweng ke mopalamente wa bone, Rre Odirile Motlhale, ya go fa dikgaolo 2% ya madi go tswa mo kabong ya madi a setshaba gore di a itirisetse mo letlhokong la dilo tse puso e sa kgoneng go di ba direla. Ba buile se mo diphuthegong tse mopalamente a neng a di buisa kwa Ramotswa, Mogobane le Otse. Ba kopile gore fa molao wa tiriso ya madi o sena go dirwa le madi a sena go rebolwa, madi a a seka a dirisiwa fela mo metseng e metona, ba supa fa ditlhabololo di bonelwa fela kwa metseng eo. Ba re fa madi a a ka dirisiwa ka tekatekanyo mo metseng, seemo sa metse ka bontsi se ka tokafala. E rile a ba kgwa dikgaba, Mopalamente Motlhale a ba bolelela fa komiti e tla tlhophiwa ke morafe, go tsaya boikarabelo jwa madi a, mme tsholofelo e le gore metse yotlhe e tla nna le baemedi, le bana-le-bogole bone fela jalo. O supile fa mopalamente a tlaabo a e eteletse pele mme a tla netefatsa gore ga go gogelwe kobo ntlheng e le nngwe. Fa ntsha la gagwe, mothusa mogokgo wa sekole se segolwane sa Kagiso kwa Ramotswa, Rre Richard Ojang, a tlhalosa fa ba fokoditse botlhoka tsebe jo bo neng bo diragala mo sekoleng seo. O tlhalositse gape fa e rile mo dingwageng tse di fetileng, sekole se, se ne se aperwe ke botlhoka tsebe jo bontsi, mme se se ne sa dira gore batsadi ba tseye bana ba bone ba ba pasitseng sentle mo dikoleng tse dikgolwane tsa Ramotswa, ba ba isa kwa sekoleng sa St. Josephs College kwa Kgale. Rre Ojang o boletse fa ba ne ba sala ka bana ba bontsi jwa bone ba sa dirang sentle, mme se se dire gore sekole seo se seka sa dira sentle. Le fa go ntse jalo, Rre Ojang o kopile batsadi go emisa go isa bana ba bone kwa dikoleng di sele, ba ba tlogedisa sekole sa bone ka ditshenyegelo, a supa fa sekole sa Kagiso se na le bokgoni jwa go ntsha bana ba ba pasang ka maduo a a kwa godimo. E rile ba ntsha la bone, batsadi ba supa fa ba tla emisa go isa bana ba bone kwa dikoleng di sele, ka tshepo ya gore sekole seo se boetse mo taolong. Ba re go isa bana kwa dikoleng di sele go a ba turela, e bile go tlotlomatsa dikole tseo, fa leina la sekole sa bone mo gae le gogoba mo seretseng. Bokhutlo politics 7 Go ruta bana ngwao go mosola Go ruta bana ngwao go ka solegela dikokomane tse di tlang molemo. Se, se builwe ke modiri kwa ofising ya Botswana Investment and Trade Centre, Rre Keletsositse Olebile kwa Bobonong bosheng. Rre Olebile a re ngwao e supa bokao kana boleng jwa motho ka jalo go molemo go e tshegetsa gore e seka ya nyelela. O supile fa ditso jaaka go suga matlalo di tshwanetse go tsosolosiwa ka di le botlhokwa thata mo matshelong a batho. Rre Olebile a re basha ba tshwanetse go tsenya le tsogo mo go direng ditiro tsa kgotla a tlatsa ka gore dithuto gammogo le dikitso tse ba nang le tsone di tlhokafala thata mo go direng ditiro tse di amang setshaba. A re batho ba tshwanetse go tsena diphuthego tsa kgotla ka go bo melaetsa ka ga mananeo a puso le ditlhabolo di tsewa koo. Rre Olebile o gwetlhile batho ba ba nang le didiba le masimo go tlhwaafalela temo a supa ka gore go dirilwe madirelo a Horticulture Resource Plant kwa Selebi Phikwe a a ka solegelang Batswana ka bontsi molemo. A re go simolodisiwa ga madirelo ao ke tsenela nngwe ya go kabakanya itsholelo segolojang mo kgaolong ya Bobirwa le Mmadinare ka go bo bontsi jwa baagi ba dikgaolo tseo ba ikaegile ka moepo wa Selebi Phikwe. Fa a tswa la gagwe Kgosi ya kgotla ya Shakola mo Bobonong Rre Molaodi Oitsile o gwetlhile borre go tsenelela merero ya kgotla ka seo se ka ba neela tshono ya go tla megopolo e ba ka e dirisang go rarabolola mathata a a aparetseng morafe o ba o eteletseng pele. O rotoeditse borre go se ipone tsapa mo go direng ditiro tsa kgotla. Rre Oitsile o tlhalositse fa tirisano mmogo le tshwaragano gareng ga borre e ka bopa setshaba. O supile fa dikgosi tsa pele tsa kgotla ya Shakola di ne di tshwaragane e bile di itse botlhokwa jwa kgotla Rre Oitsile o gwetlhile bomme go ilela kgotla ka seo se ka busetsa serodumo se kgotla e itsegeng ka sone. O supile fa kgotla ya Shakola e rurifaditswe go nna kgotla ka fa Molaong. O tlhaloseditse Bashakola fa a kopile rangwaneagwe go mo tshwarelela ka ene a santse a mekamekane le ditiro dingwe e bile gape a aparetswe ke mathata a pono ka jalo a kopa morafe wa gagwe go eteletsa rangwaneagwe pele mo ditirong tse di amanang le kgotla ya ga Shakola. BOKHUTLO education 4 Thuto ke pitsa e e maoto mararo Mogokgo wa sekole sa Bakgatle kwa Mochudi, Mme Julia Kgomotso, o boletse fa thuto e le ya batho ba le bararo e leng morutabana, motsadi le ngwana. Mme Kgomotso o boletse seo ka Mosupologo mo phuthegong ya batsadi, barutabana le baithuti fa a lekodisa batsadi ka maitsholo a bana, a re ba bone go tshwanela gore batsaya karolo botlhe mo thutong ya ngwana le bone baithuti ba nne teng mo phuthegong eo ka e lebagane baithuti. O tlhalositse fa ngwaga ono kgang e e tswenyang mo sekoleng seo ele ya marato a baithuti ebile e golela kwa godimo jaaka go nnile le kgang ya moithuti wa dingwaga tse di lesome le boraro a ratana le mokgweetsi wa khombi yo o ngwaga di le masome a mabedi le boraro, a re kgang eo e tshwentse bogogi thata. O boletse fa go kgona go tseregangwa ntwa ya baithuti ba lwela go pagama dikhombi tseo tse di leletsang diromamowa kwa godimo,a re go dirilwe thulaganyo ya gore baithuti batle phakela ka nako ya bosupa mo matlwaneng a boitutelo gore batle go bala mme bone ba tsena thari ba diilwe ke dikhombi. education 4 Kgosi o rotloetsa morafe go tsenya letsogo mo ditlhabololong Kgosi wa Khwai, Rre Merafe Amos o rotloeditse morafe go tsenya letsogo mo ditlhabololong. Kgosi Amos a re morafe o tshwanetse go tsena mo dikomiting tsa motse ka go gwetlhega go tlhabolola motse eseng fela go ja. O supile fa go le gantsi batho ba tsenelela dikomiti tsa motse go emela lemme le le neelwang maloko e seng go tla ka diphetogo mme se a sa se rotloetse ka batho ba felela ba sa ntshe maduo. O ne a amogela maloko a masha mo lekgotlaneng la motse la Khwai Development Trust. A re ba tshwanetse go tsena mo komiting ba ikaeletse go tlhabolola le go tsisa maele a masha a go fetola seemo sa motse. O kopile maloko a masha go nna le botho le go tlotla morafe ka ke one o ba tsentseng mo komiting o ba tshepha. O supile fa Khwai Development Trust e le lekgotla la morafe, ka jalo ditshwetso tsotlhe tse di tsewang di tshwanetse go nna tse di agang e bile di tlhabolola batho botlhe ba Khwai. O kopile morafe go nna le maikarabelo a go bona gore maloko a masha a dira tiro ka go ba sala morago. O ne a kopa morafe go ema maloko otlhe nokeng gore go nne le tswelelopele mo motseng. E rile a ba ema ka lefoko, mokhanselara wa kgaolo, Rre Kebareeditse Ntsogotlho a supa fa tiro e ntle e e dirwang ke morafe e bonala mme ba tshwanetse go tswelela ka yone gore motse o tlhabologe. O supile fa go sena motho yo o ka tswang go sele go tla go ba tlhabololela motse mme e le bone fela e le banni ba Khwai ba ka ikemelang ka dinao. BOKHUTLO society 9 Bobedi ga bo ipone tsapa Boammaaruri jwa kgang ya gore go tsofala yo o ratang, bo bonelwa mo go bomme Nkhanenyana Sesipi le Khononoko Sesipi ba ba tlholegang kwa Makopong mo kgaolong ya Kgalagadi. Bomme ba ke motho le monnawe ba ba tlhomaganang ebile gape ke ditsala tse di ntshanang seinong. Bobedi jo ke mokoduwe e e itekang, le fa ba setse ba tsofetse ba santse ba khobakhoba fa morago ga dipodi tsa bone ba di disitse go leka go di atisa Erile puso e tlisa mananeo a go itshetsa le go tlhabolola matshelo a Batswana, bomme ba, ba ne ba nna bangwe ba ntlha go dirisa tshono e,mme ba atlarela thuso e ka tsoo pedi, ba fiwa dipodi ka lenaneo la LIMID . Bomme ba ba ne ba seka ba eletsa go ka bona thuso e e ba dule ka diphatla tsa menwana mme ba tlhwaafalela go itisetsa dipodi tsa bone. Bobedi jo bo tlhalositse fa thuso e ya dipodi e ne e le e e maleba mo go bone ka ba godisitswe ke batsadi ba ba neng e le balemi barui gape ba kile ba berekela maburu kwa dipolasing tsa Aferika Borwa. Mme Nkhanenyana yo a leng mogolwane a re batsadi ba bone ba ne ba thinkgela kwa mokgwa o sele mo go neng go ba ama fa ba gola ba bona ele bokgoba kante ga ba itse monate wa teng gore batsadi ba bone ba tsaya matsipa a go rua a a reng ba ne ba a nya mo batsading ba bone. A re se ba neng ba akanya gore ke bokgoba se ne sa thusa batsadi ba bone go nna le leruo la bone ,mme ba ithuta go rua, ka palo ya bone basetsana e ne e photla ya bokgaitsadiabone mo eleng gore leruo lwa bone lo ne lwa oketsega batsadi ba ba tlogelela masaka a leruo fa ba ikela badimong. Le fa batsadi ba bone ba ne ba ba tlogetse ba tshelela mo tlepung ya bontsintsi jwa leruo ditshwarego tsa go godisa bana le go ba tsenya sekole di ne tsa ba kgoreletsa go nna kwa morakeng ba itisetsa ka jalo ba kopa bangwe go ba beela leitlho mme la bone leruo ya nna lone fela le le jewang ke bophiri le bophokoje mme ba sala ba iphotlere,ba aperwe ke lehuma. Le fa go ne go le go le thata ya lentswe mo matshelong a bone,mme Nkhanenyana a re ba ne ba sa tlelwe ke mowa wa boitlhobogo,ba ne ba rotloetsana le monnawe go tshepa Modimo,mme ka ngwaga wa 2010 ba ne ba bona maduo a go dumela mo Modimong, Ramasedi o ne a araba dithapelo tsa bone a ba segofatsa ka dipodi tsa lenaneo la LIMID. Mongwe le mongwe wa bone o ne a abelwa dipodi tse di namagadi di le masome a mabedi le phoko e le nngwe. Fa e sale ba atswiwa ka lenaneo la LIMID,bomme ba a itisetsa. Fa o mongwe a sa kgone go ya dipoding o mongwe o a mo disetsa,ba re ba ithutile gore dilo di botoka fa di le mo tlhokomelong ya mong wa tsone,ke gone di oketsegang. “Ruri ruri gare batle seragaraga le makhirikhiri a a kileng a re diragalela mo botshelong ra sa la re re sa ipitse ka sepe,ka ka moo re itshokolelang re taboga ha morago ga dipodi tse ka re eletsa gore di ate”,mme Khononoko a tlhalosa. Go ya ka yo mmotlana mo go bomme ba mme Khononoko,dikgwetlho tse ba kopanang le tsone di dintsi mo eleng gore di lebega di tla fekeetsa dikatlego tsa bone,mme ka lorato lwa bone mo dipoding lo le kwa mankalakaleng, le dikgwetlho di le dintsi ga ba kgobege marapo ba ikanne gore tla itshoka go ya go ileng,pheletsong gone ba tla bona tse di molemo. Mme yo o ne a supa fa ba lebaganwe ke dikgwetlho tse di akaretsang leuba,malwetse ,bogodu jwa leruo le bophiri le bophokoje. O ne a kaya fa palo ya dipodi tsa bone e ka bo e le ntsi ka dipodi di kgona go tsala gabedi mo ngwageng mme go paledisiwa ke bophiri le bophokoje ba ba tlhoahaditseng ka go ba jela dipodi,mme a lela ka bomaoto a tshupa jwa ba lephata la diphologolo a re ba tsaya lobaka go ba thusa ,gape ga ba beye dilaga go lwantsha dibatana tse. Mosadimogolo Khononoko a re bophokoje ba ba nale omofuta o mongwe wa bophokoje ba ba maoto mabedi ba ba buang a raya batho.O kaile fa magodu a leruo mo kgaolong ya Makopong a kelemile, ba sena nako ya go boroko le go itapolosa. O tlhalositse fa magodu a utswa leruo ba le tlodisa molelwane oo fetang gaufi le motse,a re mapodisi a diegela dipego tsa bogodu jwa leruo ke ka moo magodu a a nnang le tshono ya go senya bosupi,mme ba tswe ka tse di tsididi kwa kgotlatshekelo morago ba tsweledise ka go utswela pele. Mme Khononoko o kaile fa se se busetsa morago ebile se lwantsha le one maiteko a puso ,mme lehuma le lone le kelemele pele ka masaka a kgaritlhega. Mogolowe Khononoko ne a re se sengwe sekgoreletsi mo thuong ya bone ke leuba,mme legale a re ba kgona go ipofa dimpa ka ditukwi go itebatsa tlala,fela gore ba dirise madi a bone a tantabala a ba a amogelang go rekela dipodi tsa bone dijo,gape ba sela dikelekesi ba di sila go jesa dipodi. Le fa malwetse e le nngwe ya dikgwetlho,Khononoko a re ga a opise tlhogo thata ka lephata la temo thuo le ba eme nokeng fela thata go ba thusa go thibela le go alafa malwetse.Godimo ga moo a re ka kitsonyana ya bone ya go rua ba a tle b ba iteke go lwantsha malwetse,mme fa ba bona gore ke seemo se se ba fetileng ba kopa thuso mo go ba temo thuo. Le fa leruo le ba tlhokisa boroko ,bomme bo rra Sesipi ga ba batle go tlhoka leruo ka e le lone le ba itshetsang ka lone.Mme Nkhanenyana a re ba itlosa bodutu ka go disa,gape a re lehuma le kgona go balabadisa motho ka pelo mme a felele a nna le malwetse a pelo a a ka mo gapelang botshelo ke sone ba sa batleng gore dipodi tse di ka ba tswa diatleng. Mme yo a re dipodi tse ke tsone motswedi wa bone wa mashi,a re ga ba senyegelwe ba reka mashi a a lokang ditlhatlheo ka ele barati ba tee ba popota. Nama le yone ba e bona mo dipoding tse,mme Nkhanenyana a re ba tlhaba ka dipaka tse di rileng jaaka nako ya keresemose ka ba ngamela dipodi tse gore di oketsege. Mme Khononoko o ne a tlaleletsa bomolemo jwa go rua e le go itshidila mmele fa ba ntse ba khobakhoba fa morago ga dipodi ba di thiba,gape a re thuo e ya bone e ba fa tshono ya go nna le seabe mo go tokafatseng itsholelo ya lefatshe ka itsholelo ya lefatshe leno e ikaegile ka mohama wa temo thuo. Se sengwe se ba dirang motlotlo ka thuo ya bone ke gore dipodi tse di ba kgontsha go supegetsa dikokomane motlhala o o siameng wa temo thuo o o supang ditso tsa Batswana,a gatelela go tswa goo lowe Batswana ba itsege ele balemi barui mme fa dikokomane di ka rutiwa ba ka tshegetsa ba bo ba tsweledisa ditso tse. Boipelego ke nngwe ya dilo tse di dirang gore ba galaletse lenaneo le,se se tlhomamisitswe ke mme Nkhanenyana a re gape go ba fa seriti ka a re lehuma le lone le ka dira gore batho ba go nyatse. “Go nna le dipodi ngwanaka go re file seriti,bana ba rona ba ka tsena dikole ba phutologile ba sa tshabe go tshegiwa ka re nale dipodi.Aitse lehuma le ka go tsenya batho ba go wele godimo ba go nyatse tota,”Nkhanenyana a tlhalosa. Mme Khononoko a re puso e leka bojotlhe go tlhabolola matshelo a Batswana a re se se batsaya karolo botlhe ba tshwanetse go etletsa maiteko gore a atlege gape ba lwantshe diemo tse di kgoreletsang maiteko a. O ne a kopa bophokoje ba ba maoto mabedi go latlha mokgwa o o maswe wa go utswela batho ba bangwe a re mananeo a diretswe botlhe,o ne gape a gakolol Batswana go dirisa dithuso tsa mananeo a, a re ba le aramele le santse le ba tlhabetse. economy_business_and_finance 3 Bomme ba kgothadiwa go inaakanya le thuo Go tswa goo lowe, itsholelo ya lefatshe la Botswana le botshelo jwa Motswana di ne di ikaegile thata ka temo-thuo, pele ga diteemane le ditswa-mmung tse dingwe. Diane le dithamalakane dingwe di supa sentle boleng jwa leruo mo botshelong jwa Motswana bogolo thata matlhogoputswa. Le mororo botshelo bo fetogile, Batswana bangwe ba santse ba tshwere ditso tsa go rua mme ba dirisa mefuta ya temo ya segompieno e e tlhabolotsweng go gweba ka leruo eseng fela go itshetsa mo lwapeng jaaka ene ele tlwaelo bogologolo. “Re gola re bona kgomo e ruiwa mo malwapeng a rona mme e re namola mo dilong di le dintsi jaaka fa gole dintsho, manyalo, go tsenya bana dikolo le mathata a mangwe fela a lelwapa,” se se tlhalositswe ke Mme Agisanyang Kgotla jaaka ane a bua ka lorato la gagwe mo thuong ya dikgomo. O kaile kafa sekolo se segolo sa University ya Botswana se agilweng ka seabe sa motho mongwe le mongwe kgomo ka nako e lefatshe le neng le sena meamuso e mentsi mme itsholelo e ikaegile ka kgomo kana leruo. Mme Kgotla wa kgwebo ya dikgomo e e bidiwang Mpopothi o akgotse puso ka lenaneo la go tlhobolola matshelo a bomme la Gender Affairs go bo ba rotloetsa mohama wa thuo. Mme Kgotla yo o mo kgwebong e e tlhakanetsweng le ba bangwe bale bane, are Gender Affairs e ba file madi a kana ka P238 640 go simolodisa kgwebo ya bone ka ngwaga wa 2011. “Re ne ra aga masaka le go reka dikgomo di le 41 le dijo le melemo mme gompieno re nale dikgomo di le 29 le dinamane di le 66 mme re kile ra swelwa ke dikgomo di le 15 le dinamane di le 29.” A re kgwebo ya leruo ke ‘teemane’ ka jalo o kgothaditse bomme go inaakanya le go tsena mo kgwebong ya go rua le gone go dirisa mananeo a puso go itshimololela dikgwebo. “Re ne re ile ditshupong tsa dikgwebo tsa bomme bosheng mme ke itemogetse gore bomme ba barui ba tsena mo seatleng, ba boutsana. Bontsi jwa bomme ba dira dikgwebo tsa ditlhare, go apaya, go roka jalo jalo, tse eleng gore di setse di le dintsi thata. Ke akanya gore bomme ba tshwanetse go itse gore ba nale bokgoni jwa go rua ka jalo ba tsene mo kgwebong e ka gore e nale dipoelo tse di nametsang.” O tsweletse a supa gore puso e dirile bontle thata ka gore jaanong mmaraka wa nama ya Botswana o teng kwa mafatsheng a a kwa ntle mme a kaya fa seo se baya lefatshe leno mo tshiamelong ya kgolo mo go tsa kgwebo le tirisanyo mmogo le mafatshe a sele. Mme Kgotla o tsweletse a supa gore kgwebo nngwe le nngwe e kopana le dikgwetlho mme le fa gontse jalo, o tlhalositse gore pheko le molemo wa tsotlhe ke lorato mo kgwebong e motho ae dirang. A re kgwebo e e tlhakanetsweng kgotsa ya setlhopha le yone e nale dikgwetlho mme go nale tse dintle tse motho a ka di nwang moro jaaka go thusana le go naalana dikitso kana thuto ka tsa kgwebo. O tsweletse a kaya gore Mpopothi e e agilweng ke bomme ba le batlhano le rre a le mongwe e godile fela thata fa e sale e simologa ka ngwaga wa 2011. O supile gore o kgonne go gwetlha le go rutuntsha setlhopha sa bomme ba ba ruang dipodi le ba dikgomo le ba merogo. Maikaelelo ke go tsena mo kgwebong ya temo-thuo go tlhabolola matshelo a bone le motse wa Khudumelapye ka kakaretso le go godisa Botswana. “Re setse re bone lefelo fa re yang go direla teng. kgwetlho e tona ke metsi mme re ikaelela go phunya didiba mo lefelong le,” Mme Kgotla a nankola ka boripana. Mme Kgotla a re go botlhokwa gore motho a batle thuto le thuso mo go ba leruo fa ba eletsa go simolola kgwebo ya go rua. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ba Lephaleng ba roletswe kgosana E ne ya re kgwedi eno e rogwa kgotlana ya Lephaleng kwa Molepolole ya rolelwa kgosana ya tetlanyo ke bogosi jwa motse oo. Kgosana Kruger Kareng go bolelwa a ne a sale a supilwe ka ditlhopho ke morafe wa kgotlana eo mo ngwageng o o fetileng gore a ba etelele pele. E ne ya re a rola Kgosana Kareng mo morafeng, mogolwane mo bogosing jwa Bakwena, Kgosi Lawrence Mhaladi a kopa morafe oo go ema Rre Kareng nokeng ka a supile fa kgosi e le kgosi ka batho. O ba kopile goya ko go ene ka tlotlo e e mo tshwanetseng le gore ba tshwaragane le ene go batla lefelo le ba ka bayang kgotlana ya bone teng. O supile fa Rre Kareng e le leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse mme a mo rotloetsa go dirisanya le bone sentle gore ba tsee ditshwetso tse di maleba. O mo rotloeditse go dirisanya le mapolotiki a kgaolo ya gagwe ka a supile fa puso le ditlhabololo tsa lefatshe di tsamaisiwa ke sepolotiki, fela a mo kopa go ikgapha mo go tseeng letlhakore mo sepolotiking. Kgosi Mhaladi o ne a rotloetsa Rre Kareng go tshwara tiro ya gagwe ka manontlhotlho, a kaya fa batho ba kgotlana eo ba tlaa tsena kwa ga gagwe bosigo le motshegare go kopa thuso, mme a mo gakolola go nna a ba thusa ka nako a sa ba diegele. O mo kopile go ikgapha mo nnotaging ka a re e ka mo itaa tsebe mme a tlhoke go thusa morafe sentle. O kopile mabutswapele a kgotlana eo go ithaopela go nna le kgosi mo kgotleng gore ba mo gakolole le go mo thusa dikgang tsa kgotla eo, a tlatsa ka go kopa Rre Kareng go tsaya dikgakololo mo bathong ba gagwe mme a fetsa ka go mo rotloetsa go tlhaloganya melelwane ya kgotlana ya gagwe go itsa go gotlhagotlhana le dikgosi tsa dikgotla tse dingwe. E rile fa a amogela thomo, Rre Kareng yo e bileng a kile a nna mogokgo mo dikoleng tse dipotlana a lebogela marafe wa kgotlana eo go mo neela boikarabelo jo a neng a na le kgatlhego mo go jone. O tlhalositse fa a itlamile go agela mafoko a ga Kgosi Mhaladi mosako mme a supa fa a tlaa dirisanya le morafe oo sentle. E re le fa go ntse jalo, Rre Kareng o kaile fa a tshwenngwa ke tiriso botlhaswa ya majalwa a a apewang mo malwapeng mo kgotlaneng eo ka a re selo se se felela se kgoreletsa le bone bana ba dikole ka bangwe ga ba isiwe dikoleng fa ba bangwe ba sa tlhokomelwe sentle mme batsadi ba bone ba bonelwa mo nnotaging. O supile fa a tlhaloganya matlhoki a kgaolo eo mme a tlaa tshwaragana le baeteledipele ba bangwe gore ba gatele pele mo ditlhabololong tsa kgotla eo, mme a kopa morafe go tswelela ba mo ema nokeng gore ba fenye le tsone dikgang tsa botlhoka tsebe tse di apesitseng kgaolo eo kobo ka letshoba. Kgotlana ya Lephaleng, e tlaa imolola ya Lekgwapheng morwalo kw morafe wa kgotlana eo o ntseng o kopa dithuso teng. BOKHUTLO politics 7 Lekgotla la ditlhopo monela marulana pele Mogolwane go tswa kwa ofising ya lephata le le ikemetseng la tsamaiso ditlhopo (IEC), Rre Isaac Koogotsitse o boleletse makhanselara a Kgalagadi gore lephata la gagwe le semeletse go ipaakanyetsa ditlhopo tsa setshaba tsa ngwaga o o tlang. O buile mafoko a mo phuthegong ya khansele kwa a neng a lekodisa makhanselara ka ipaakanyo e ba tsweletseng ka yone bosheng. Rre Koogotsitse o tlhalositse fa ba tsamaya ba buisana le ba-na-le seabe botlhe mabapi le ipaakanyetso ditlhopo tsa ngwaga o o tlang ka jaana nako e ile. O boletse fa ba netefatsa gore didirisiwa di tshwana le dipalamo, batlhophisi le mafelo a a yang go dirisiwa go tlhopha di tlaa bo di le mo seemomng se se siameng fa nako ya ditlhopo e goroga. A re ba tsweletse ka go hira batho ba ba tlaa bong ba kwadisa setshaba go simolola ka Lwetse e tlhola gararo go tsena Ngwanatsele a le lesome le bongwe. A re go tlaa bo go sena malatsi a a okediwang a ikwadiso mme a re ke ka moo go leng botlhokwa gore ba-na-le seabe botlhe ba rotloetse setshaba go ikwadisa ka nako. Rre Koosaletse a re ere le ntswa go ise go bewe letsatsi la ditlhopo e bile go santse go na le dikgang dingwe kwa makgotleng a ditsheko, ba bone go le botlhokwa go ipaakanya ka gore le fa go ka nna jang, lefatshe la Botswana le tshwanetse go ya ditlhopong ngwaga o o tlang. O tlhalositse fa go le phoso go beela motho karata ya ikwadiso le Omang. A re go dira jalo ke molato o motho a ka o atlholelwang dikgwedi tse thataro mo kgolegelong, madi a a sa feteng sekete sa dipula kana dikotlhao tseo tsotlhe. O kopile ba-na-le seabe go ruta batho ka mosola wa ditlhopo ka jaana go tshwenya ka go lemosegile gore batho fa go na le ditlhopo tsa poeletso ga ba tlhope. Mangwe a makhanselara ba supile fa ba le ’bete se molangwana mabapi le motshine o go tweng o tsile go dirisiwa mo ditlhophong, ba tlhalosa fa puso e ka bo e setse e o lekeleditse mo ditlhophong tsa poeletso go bona fa o bereka sentle. Ba kopile gore puso e sekaseke kgang ya go oketsa nako ya ikwadiso ka jaana Batswana ka bontsi go lebega ba sa itse mosola wa go tlhopa. Bangwe bone ba re o siame ka jaana o tlaa ntsha maduo ka nako. politics 7 Tshenyo ya ditlou e tshwenya makhanselara Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba a supile matshwenyego ka tshenyo e e bakwang ke ditlou mo masimong a balemi ba kgaolo eo. Mokhanselara wa Moroka, Rre Egbert Tshandu, o ne a kaya fa tshenyo ya ditlou mo masimo e setse jaanong e gomagometsa go kgoba balemi marapo ka ba sa tlhole ba bona maduo a maiteko a bone a go ntsha dijo go itshetsa le ba malwapa a bone. Rre Tshandu o ne gape a supa fa maiteko a lenaneo la dithuso tsa temo la ISPAAD le one a tlaa seke a tswe dipe mme madi a puso e a ntshetsang lenaneo le o a wetse ka motlhoboloko. Mokhanselara Smarts Mathonsi wa Tshesebe le ene o ne a supa ngongora ka tshenyo e e bakwang ke ditlou. O ne a re ka fa ditlou di bonalang ka dipalo tse dintsi ka teng mo kgaolong, matshelo a batho le one jaanong a setse a le mo diphatseng, segolo jang ka ditlou e le diphologolo tse di sa tlwaelesegang mo kgaolong ya Bokone Botlhaba. Rre Mathonsi o ne a ikuela mo pusong go sekaseka molao o o iletsang go bolawa ga ditlou; a boa a supa fa go tshwenya go bo go lebega ekete puso e kgathala ka diphologolo go na le matshelo a batho. Fa a akgela, mokhanselara wa Ramokgwebana Rre Phikisani Makgetho o ne a iteela moroko mafoko a bakaulengwe ba gagwe. O ne a tswa ka mogopolo wa gore puso e fokotse dipalo tsa ditlou tse di mo lefatsheng leno ka go di rekisetsa mafatshe a mangwe a kwa go one go senang ditlou. A re se se ka thusa thata go fokotsa mosuke wa ditlou mme gape go fa lefatshe leno sebaka sa go dira letseno ka diphologolo tsa lone. Rre Makgetho a re madi a a ka bonwang ka thekiso eo ya ditlou a ka thusa thata go kgarametsa ditiro tsa ditlhabololo tse mo nakong eno di tsamayang ka bonya ka ntlha ya tlhaelo ya madi. Mme Peggy Senthufe, yo a leng mokhanselara wa Ditladi ene o ne a supa fa kwa kgaolong ya gagwe ditlou le ditau di apesitse banni kobo ka letshoba. A re metse ya Patayamatebele le Matopi ke yone e segolo bogolo e amilweng ke seemo se, mme a re le fa gone badiri ba lephata la diphologolo ba bonala kwa metseng eo, ga gona phetogo e e bonalang mo go ateng ga diphologolo tseo. Mme Senthufe a re se se a tshwenya ka jaana go sa tlhaloganyesege gore tiro ya ba lephata leo ke eng tebang le go fetola seemo. society 9 Bogodu jwa diphologolo bo koafatsa itsholelo Kgosi Mokgweetsi Ketshabile wa Kudumatse a re bogodu jwa diphologolo bo ka diga itsholelo ya lefatshe. A re Kudumatse o gaufi thata le mafelo a diphologolo ka jalo banni bangwe ba ithusa ka diphologolo tseo ntle le tetla ya lephata la diphologolo. O tlhalositse fa bogodu le letsomo la diphologolo le le seng ka fa molaong di tsweletse ka go diga itsholelo ka go nne bojanala bo na le seabe se segolo mo kgolong ya itsholelo. A re bojanala ke mohama o o botlhokwa ka gore puso ga e dirise madi a mantsi thata mo go yone fa go tshwantshwangwa le mehama a mengwe,a tlatsa ka gore jaanong go mo maruding a setshaba go sireletsa diphologolo tse di mo tikologong ya bone. Le fa go ntse jalo, kgosi a re bontsi jwa batho bo sa ntse bo sena kitso ka tlhokomelo ya diphologolo le matlotlo a mangwe a tlholego,a tlatsa ka gore melao e teng mme batho ba maoto a tshupa go bala ka yone. O boletse fa batho bangwe ba sa ntse ba dumela fa diphologolo e le dijo, ba sa di tsee jaaka kgwebo e e godisang itsholelo ya lefatshe. O boletse fa magodu ao a bolaela diphologolo tse go di ja kgotsa go rekisa nama ya tsone ka bokukuntshwane. “Ga ke ise ke tlhaloganye gore ba a rekisa kana ba di bolaela go ja fela,”a tlhalosa. E re go le jalo,a re seemo seo se a tlhobaetsa ka gore kgaolo e ka kwano e tla sala e sena diphologolo segolobogolo diphala le ditholo ka gore ke tsone di fitlhelwang di bolailwe gangwe le gape mo kgaolong ya gagwe. A re seemo se se bakwa ke gore diphologolo tse ke tsone tse di atileng thata mo kgaolong eo. O tswelela a tlhalosa gore ba nna ba tshwara diphuthego go ruta setshaba ka botlhokwa jwa go tlhokomela diphologolo mme o kare thuto eo,e wela mo mmung o o lekgarapana. E rile a tswelela a bolela fa monongwaga mopodisi a setse a gatisitse dikgang tsa mothale oo di le dintsi thata tsa go bolawa ga diphala,dikolobe,dikgokong le ditholo ka diwaere, dilaga le dintsa. O boletse fa go setse go na le bangwe banni ba motse oo ba ba atlholetsweng kgolegelo mabapi le bogodu jwa diphologolo. O ne a tswelela ka go leboga ba sepodisi, makgotla a mangwe a molao ka gore ke bone ba ba thusang go lwantsha bogodu jo ka go tshwara babelaelwa, A re fa nne madi a le teng go ne go ka okediwa badiri ba diphologolo go lwantsha bogodu joo. Kgosi Ketshabile a re o kopa setshaba gore se tlogele go utswa diphologolo,a tlatsa ka gore seo ke molato,go bolaya diphologolo,le go tsena mo polaseng ya motho kwa ntle ga tetlelelo ke molato. crime_law_and_justice 1 Ba rotloediwa go kwadisa ditsha Moemedi wa lekgotla le lebotlana la kabo ditsha la Molepolole Rre Spunch Masilomangwe o rotloeditse banni go iketleeletsa go ya go kwadisa ditsha tsa bone. Rre Masilomangwe o buile jalo mo phuthegong ya kgotla ya Mopalamente wa Molepolole Bokone Rre Mahhomed Khan, kwa Goo-Thipe. O tlhalosiste fa go dira jalo go tlaa thusa mo go atoloseng peo ya ditsha le ditlhabololo tsa motse. A re ditsha tse e leng matlotla, go tlaa senkwa beng ba tsone ba ba di kgathologileng, go ba rotloetsa go di tlhabolola go thusa go fetola tebego e e sa itumediseng ya motse ka bophara. Rre Masilomangwe o tsweletse ka go tlhalosa fa kwadisetso ditsha e simolotse ngogola mme e tlaa tswelela go fitlhela ngwaga o o latelang. O ne a tsibosa banni gape ka molao o mosha wa ditsha gore go laotswe gore, motho o tlaa abelwa setsha gangwe a gakolola ba ba rekisang tsa bone gore ba bo ba itse se ba se ikantseng. Mo go la gagwe, mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Khan, o gakolotse morafe gore o tshwanetse go tshwaragana le go dirisana ka se se ka thusa le go fefosa ditlhabololo mo motseng. Mo go tsa thuto, Rre Khan o tlhalositse fa e rile ba lemoga maduo a thuto a ya kwa tlase a sekole se segolwane sa Kgari Sechele II, a tswa leano le bagolwane ba bangwe go leka go rotloetsa baithuti go tlhwaafalela dithuto tsa bone. Khan a re e ne ya re ka kabo ya dimpho ba rekela bana dimpho di tshwana di laptop le Ipads tse di ka dirisiwang ke baithuti mo thutong ya bone ka boranyane. A re se se itumedisitse baithuti thata a re o lemoga fa ba bangwe ba gwetlhegile go itsolopanya mo dithutong go ipona le bone ba tsaya dimpho tsa mofuta o. O tlhalositse fa e tlaa re mo ngwageng oo tlang ba simolodise gore sekole sengwe le sengwe mo motseng ka nako ya kabo dimpho, go abelwe bana dimpho tse di ka ba solegelang molemo le go ba rotloetsa mo go tsa thuto. Fa ba akgela, mongwe wa banni mme Mainane Puso o ntshitse ngongorego ka ditirelo tsa sepatela sa Scottish Livingstone a re malao ga a itekanela go ka robala balwetse ga mmogo le gore dikobo di a tlhaela. Puso o tsweletse ka gore go lebega le bodiredi kwa sepatela bo tlhaela ka molwetsi a kgona go bewa malatsi gotwe ga gona yo o ka mo thusang. Le fa go ntse jalo, mopalamente Khan o kopile banni go dirisanya le bodiredi sentle, a re lefa ditirelo e se tsone ba ikuele jaaka go tshwanetse, a tlhalosa fa a tlaa latedisa dikgang tse morafe o ngongoregang ka tsone. politics 7 Polao ya dikgomo e ba utlwisitse botlhoko Makhanselara a Bokone Bophirima ga a itumelele go bolawa ga dikgomo. Ba buile seo mo phuthegong ya khansele e e faphegileng bosheng, kwa ba neng ba laleditse mogokaganyi wa tsa temo-thuo mo kgaolong ya Bokone Bophirima, Rre Obert Mabutho. Makhanselara a tlhalositse gore ke barui fela ba ba palo nnye ba ba bolaetsweng dikgomo ke ba tsa matlhoko a leruo ba ba ileng ba ikopanya le bone. Fa a tlhalosa, Rre Mabutho a re mo molaong wa tsa matlhoko a leruo wa ngwaga wa 1977, go ka fa molaong gore fa dikgomo di tsene mo terateng e e kganelang diphologolo tsa naga, di bolaiwe e le gone go leka gore di seka tsa anamisa bolwetse jo bo tshwenyang mo kgaolong eo ja tlhako le molomo. O tlhalositse gore le fa go ntse jalo, bangwe barui ba ba bolaetsweng leruo ba kgonne go bonwa gore ba duelwe mme o tlhalositse fa lenaneo la tsa bokenti mo kgaolong le tsweletse fela sentle. Mokhanselara wa Qangwa/Xaixai Rre Lelejwang Soke o ile a tshwaela gore molao oo o sekasekwe ka e le wa bogologolo. E rile a mo tlatsa, mokhanselara wa Gumare/Tubu Bokone Rre Mpoke Karapo le ene a supa fa a sa jesewe diwelang ke ka mo barui ba tserweng ka teng mme a tlhalosa gore molao o sekasekwe ka o siilwe ke nako. E rile ba tla kwa tshekatshekong e le khansele le ba temo-thuo, ba kopa gore go maleba gore barui ba itsisiwe ka kgang e gore ba kgone go tlhaloganya. Makhanselara a ile a supa gore mo go ka thusa setshaba go itse le gone go tlhokomela leruo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Babereki ba Kanye Brigade ba ithuta dikhomputara Go boammaaruri gore thuto ga e golelwe. Se se supagetse kwa sekoleng sa ithutelo tiro tsa diatla sa Kanye Brigade fa se ne se alosa baithuti ba le lesome le borataro ba ba neng ba ithuta ka tiriso ya maranyane a dikhomputara ba ntse ba le mo tirong. Baithuti bao ke badiri ba ba amogelang ka letsatsi kwa sekoleng seo, bontsi ja bone ke bagolo. Ithutuntsho e, ba e bone ka thotloetso ya mogokgo wa sekole seo Rre Bester Mahube. Dithuto di ne akaretsa go kwala, go romela melaetsa, go fetola, go godisa mafoko le go dira mekgabisa ka khomputara . Mmui wa tlotla mo kalosong ya dialogane tseo, mogolwane mo go tsa thuto mo kgaolong ya Borwa, Mme Maipelo Kesenye o akgotse sekole sa Kanye Brigade go ruta babereki ba bone dikhomputhara, selo se a reng ga se diragale mo maphateng ka bontsi. Mme Kesenye o boletse fa badiri ba maemo a a kwa tlase ba sa tsewe tsia go ithuta dilo di tshwana le dikhomputara, tse gompieno eleng tsone go berekwang ka tsone. O tsweletse a re bontsi jwa babereki ba, bo saletse morago, bo utlwa fela ka baeteledipele ba bone. O tlhalositse fa tiriso ya dipampiri e nyelela ka monokela, mme go tla bo go dirisiwa dikhomputara go romela melaetsa, go utlwa dikgang, go buisana gammogo le go fetolana. A re metlha ga se ya maloba, babereki botlhe ba tshwanetse go itse ditiro ka go farologana. Mme Kesenye , o solofeditse fa a tla kopa mo lephateng la gagwe gore ba rekelwe dikhomputara gore ba tswelele ba di dirise ba tle ba seka ba lebala. Mo mafokong a gagwe a malebo, mongwe wa dialogane Mme Kelepile Banabotlhe o ne a lebogela dithuto tse ba di tseneng thata go menagane. A kaya gore ba ntse ba inyatsa e bile ba tseelwa ko tlase gore ga se ba ba ka ithutanag dikhomputara ka bagodile, ba emetse go digela sebaka sa pereko fela. O boletse fa thuto eo, ba e bone go sena tuelo epe, e le ka lorato la boeteledipele ja sekole jo bo boneng go le botlhokwa thata gore ba e bone. A re, go ne go le thata fa ba simolola mme ba nna pelotelele le dithuto go fitlhelela ba di wetsa. Mongwe wa barutintshi Rre Johannes Ochuizen, a re malatsi ano go tshelelwa mo tirisong ya dikhomputara go itshetsa le go abelana dikitso ka bophara. O boletse fa baithuti ba ne ba reetsa thata le mororo e ne le bagolo. Jaaka e ne ele moithaopi mo go ruteng bagolo bao ,o lebogetse tirisano mmogo le mogokgo wa sekole e e dirileng gore tiro ya bone e nne motlhofo. education 4 Metlojane o ngongoregela tiego Banni ba Metlojane kwa kgaolong ya Good Hope/Mabule, ba re ba ngongoregela tiego ya go diragatsa dikopo tse di fetisitsweng ke komiti ya ditlhabololo ya motse ka jaana se se baka madiadia mo go tlhabologeng ga motse. Se se builwe ke moeteledipele wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Masego Seololwane fa a ne a lekodisa mopalamente wa kgaolo, Kgosi Lotlaamoreng ka Labotlhano. Mme Seololwane o tlhalositse fa go swabisa nko go feta molomo ka gore ba nna ka go bua ka dikopo tse di tshwanang fa pele ga mapalamente a kgaolo ya bone, ka go tlhatlologana ga bone mme go sena nko e e tswang lemina. O supile matshwenyego a gore, ba nna ba lela ka seemo sa ntlo ya boapeelo kwa sekoleng se sebotlana sa motse, se a supileng fa lesire la borulelo le tlhotlhorega ka ke botshabelo jwa dipeba. A re dipeba tseo, di ka bakela baithuti malwetse, gammogo le bone baapei ba ba direlang mo ntlwaneng ya boapeelo. O ne a supa gape fa ba sale ba tsentse kopo ya go baakanyediwa ntlo ya mooki ka jaana le yone e le mo seemong se se sa jeseng diwelang. O ne a tlatsa ka gore ba kopile le ntlo ya modisa dikago kwa kokelwaneng ka jaana babereki ba nna fela mo setaataeng ka nako ya dipula, diphefo le serame a supa fa se se ka ba kgoreletsa go dira tiro ya bone ka botlalo ka jaana ba tlaa bo ba sa babalesega. Le fa go le jalo, Mme Seololwane o ne a lebogela terata ya kgotla ka jaana, a supile fa kgotla ya bone e na le tebego e bile ba tlaa ketekela boipuso jwa bone mo tikologong e e nametsang. Mo go tse dingwe, ba ne ba lela ka bogodu jwa dijo mo masimong ka nako ya letlhafula jo bo dirwang ke banana ba motse, le letlhoko la metsi mo motseng. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa kgaolo-potlana ya Good Hope, Mme Gladys Molefe o ne a tshwaela ka gore ditirelo ka bontsi mo kgaolong tse di ntseng di dirwa ka lenaneo la Ipelegeng di tlaa nama di seegetswe fa thoko, morago ga gore khansele e retelelwe go ka tsweledisa ditirelo dingwe. Mo tekodisong ya gagwe, mopalamente, o ne a solofetsa banni gore o tlaa kopana le baeteledipele ba maphata otlhe a a maleba go ba rolela matshwenyego a bone, le gone go batla ditharabololo go ka fefosa ditirelo tse di sa ntseng di saletse kwa morago go thusa go fetola seemo sa ditlhabololo mo motseng. politics 7 BMC e reka dikgomo kwa Gumare Banni ba Gumare le mafelo a a mabapi ba boleletswe fa BMC e simolotse go reka dikgomo gape kwa Gumare le meraka e e mabapi morago ga gore barui bangwe ba seka ba kgona go rekisa ka ba matlhabelo ao ba ne ba itlamile go reka palo e e felelang mo seatleng fela. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa mokgatlho wa balemi barui ba kgaolo ya Okavango, Rre Onneile Tsele o tlhalositse fa theko e e simolotse ka Mosupulogo mme go tla a rekiwa mo merakeng e e neng e saletse kwa morago mo thekisong e e fetileng e akaretsa ya Tlhale, Xhekedau, Nxabexa, Xhara le Samotshoka. Rre Tsele o tlhalositse fa mokgatlho wa bone o kopile BMC go oketsa palo ya dikgomo ka barui ba sa kgotsofalela palo e ba matlhabelo e e rekileng mme kopo ya bone e amogetswe e bile ba tla a simolola go reka dikgomo mo baruing fa ba sena go reka mo merakeng e e neng e saletse kwa morago. A re fa ba sena go reka mo merakeng eo, BMC e tla a reka dikgomo di le dikete tse tlhano mo baruing ba Gumare go ya go felela kwa Tsau. Rre Tsele o boletse fa a solofela fa palo e motho a letlelelwang go e rekisa e tla a tsholetsega go tswa mo bobeding go ya magareng ga borataro le lesome. O tlhalositse fa mokgatlho wa bone o ikaelela go bitsa phuthego gore ba tle ba leboge morafe wa Gumare ka tirisano mmogo e ba e supileng jaaka ba ne ba ikagela masaka a megotlha ka boithaopo. O tsweletse ka go akgola barui ba Shakawe jaaka ba tshwere ka thata go lwantsha bolwetse jwa tlhako le molomo jo bo tshwerweng mo dikgweding tse di fetileng. O boletse fa seemo sa bolwetse jo se ritibala e bile go setse go kentilwe 95% wa dikgomo mo kgaolong eo jalo a kgothatsa barui go tlhokomela leruo la bone ka go le tlhatlhela le go le kentela malwetsi. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Go itsane losika go botlhokwa Go itsane ga losika go botlhokwa ka go ka thusa gore dikokomane tse di tswang kwa morago di gole di tlhaloganya le go itse losika lwa bone botoka ka ba anyilwe mo batsading ba bone. Fa a bua mo letsatsing la go itsane losika lwa Barolong ba ga Morakile go tswa kwa Aferika Borwa, Botswana le Namibia kwa motseng wa Makopong bosheng, Mme Remember Kelefile a re go tswa bogologolo batsadi ba bone ba sena kgatlhego ya go ba tlhalosetsa ka fa ba sikanang ka teng le ba bangwe mme seo sa dira gore ba tlhoke kitso ya tshika ya bone jalo ga felela go dira gore ba tlhoke go emana nokeng e le masika. O kaile fa ba tshwanelwa ke go kopa thuso mo go ba motlobo wa ditso ka seo se ka thusa thata go tlhaloganya mo go tseneletseng ka fa Barolong ba ga Morakile ba simologileng ka teng ka batsadi ba bone ba ba itseng ditso botlhe ba setse ba tlhokafetse. Fa a iteela kobo moroko mafoko ao, Rre Boitheko Kelefile o kaile fa e sale ba simolotse go tshwara bokopano go simologa ka 2006 mme a kaya fa ba tla tswelela ba dira jalo ngwaga le ngwaga gore losika lwa bone lo gole mo Botswana le kwa mafatsheng a mangwe a akaretsa Aferika Borwa le Namibia. A re ba simolotse go itse bangwe ba masika a bone ka malatsi a boitapoloso le ka dinako tsa dintsho gammogo le manyalo fa ba ile kwa Aferika Borwa. Fa a latlhela la gagwe, Mme Kebuileng Mosilabele go tswa kwa Aferika Borwa o lebogetse thata bokopano joo, a kaya fa bo le mosola ka bo kgonne gore bo ba bontshe Barolong bangwe ba ba neng ba sa ba itse mme a bolela fa ba tla a tsweledisa bokopano joo mo mafelong a a farologaneng a ba tla kopanelang mo go one. BOKHUTLO society 9 Letsema le thata ka mong lick to see more pictures Balemi barui ba kgothaditswe go tsena ka mmetela mo temo thuong gore ba kgone go ntsha dijo tse di lekaneng go dira gore lefatshe leno le emise go ikaega ka go reka dijo kwa mafatsheng a sele. Fa a simolodisa semmuso ditshupo tsa kgaolo ya Machaneng ka Matlhatso, mothusa tona mo lephateng la temo thuo, Rre Oreeditse Molebatsi, a re go maswabi go bona lefatshe le le nang le dingwaga tse di masome a mane le borobabobedi le ntse le ipusa jaaka la Botswana le sa ntse le palelwa ke go itirela dijo ntswa puso e tsweletse ka go dira mananeo a Batswana ba ka a dirisang go tlhabolola seemo sa temo thuo. Rre Molebatsi o boleletse batho ba ba neng ba tsene ditshupo tseo gore fa Batswana ba ka tsena ka mmetela mo temo thuong ba bo ba dirisa mananeo a puso jaaka ISPAAD le LIMID, go tlhabolola seemo sa temo thuo, lefatshe leno le ka emisa go dirisa madimadi go reka dijo kwa mafatsheng a sele. A re e re ka lefatshe leno le tlhaelelwa ke mashi, puso e dule ka mogopolo wa go reka meroto ya dipoo tsa mashi kwa mafatsheng a sele go e rekisetsa Batswana ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase gore ba kgone go ntsha mashi a ka rekisediwang bagwebi ba madirelo a tshwana le Choppies le Spar. Mothusa tona a re ka ntlha ya diphetogo tse di sa iketlang tsa loapi, puso e tsere tshwetso ya go thusa Batswana ka mananeo a go phakisa dipeo le menontshane, go lemela batho ditema tse tlhano mahala, go ba agelela masimo le go ba thusa ka melemo e bolayang diji le mhero mo masimong. Rre Molebatsi o ne a kopa balemi-barui ba kgaolo ya Machaneng go ipaakanyetsa letsema le le tlang ka go ntsha disana le makabu, go agelela masimo le go baakanya di dirisiwa tsa temo di akaretsa diterekere le dipolantara. A re fa Batswana ba ka inaakanya le methale ya segompieno ya go lema ka ditselana le go tsosolosa makgotla a dikoporase, lefatshe leno le ka kgona go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo le letlhoko la ditiro le go lebegang le apesitse dikgaolo ka bontsi kobo ka letshoba. Modulasetilo wa komiti ya ditshupo, Rre Obakeng Siamisang o tlhalositse fa maikaelelo a ditshupo e le go neela balemi-barui sebaka sa go abelana megopolo le go tsaya maele mo go ba bangwe ka tse di tsamaelanang le go tlhabolola seemo sa temo-thuo. Rre Siamisang o boletse gore fa e sale puso e neela Batswana boikarabelo jwa go tsamaisa ditshupo tsa dikgaolo tsa bone boemong jwa lephata la temo thuo, seriti sa tsone se wetse tlase ka jaana badirelapuso ba goga dinao mo go thuseng ka dipalamo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Balemi ba itumelela pula e namagadi Balemi ba Masingwaneng ba re ba itumeletse dipula tse di neleng ka Tlhakole ka di rudisitse dijalo tsa bone. Mo potsolotsong le BOPA bosheng, mothusa modulasetilo wa lekgotla la balemi-barui mo Masingwaneng, Rre Lekang Zhibi o tlhalositse gore pula ya maloba e nele ka bokete e bile e solegetse molemo dijalo tse di neng di tshubilwe ke letsatsi. Rre Zhibi a re banni ka bontsi ba tsere temo ka tlhoafalo e bile ba thusiwa ke balemisi ka lenaneo la ISPAAD, ka go ba fa peo ka mefuta. Rre Zhibi a re ene o lemile ka terekere le ditonki ka Ngwanatsele, ebile a lema ka ditselana jaaka balemisi ba rotloetsa. O supa fa kgwetlho e tona mo masimong e le dinonyane tse di jang mabele, segolo bogolo segaolane. A re leruo le lone le a senya mo masimo ka go tlhagela di eja dijalo ka ebile batho ba sa tlhole ba disa. Mothusa modulasetilo o tlhalositse gore go sa ntse go na le bangwe ba ba sa tlholeng ba lema ba re ba tlaa reka. O supile gore banni ba Masingwaneng ba kile ba bo ba tlhoafaletse temo fa go santse go lengwa ka go gasa peo. Ka jalo a re lekgotla la balemi le tsweletse ka go buisa diphuthego mo motseng go supa botlhokwa jwa go lema. Rre Zhibi a re o solofetse go roba mmidi le ntshe ka tsone di sa tlhaselwe ke diji. Fa a ntsha la gagwe, molemi Rre Zibani Maphamole a re o itumeletse pula ka gore mmidi wa gagwe o ne o sule jaanong o thantse. A re kgwetlho e tona ke nonyane ya lesogo e e tseneletseng mabele, a ta tlhalosa fa a sa bone a tlaa roba sepe mo temeng ya mabele. O supile gore o ne a sala ditaelo tsa balemisi morago, gore ba seka ba lema dijalo mo temeng e e tshwanang ngwaga le ngwaga. Rre Maphamole a re o itumedisiwa ke gore mmidi o ne o santse o itsetsepetse ka o sa tshabelelwe ke go jewa ke diji. O tlholositse gore o beile bompopi ba matsela mo masimo go tshosa dinonyane, mme a re di tswelela di ntse di senya fela. O digetse ka go re ene le ba lelwapa la gagwe ba tlaa dika ba o orile molelo wa mariga. “Pula e e nthusitse re tlaa dika re robile go le gontsi e bile ke tlaa ja le bongwanake.” BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Dikereke di tshwaraganela thapelo Dikereke go tswa mo dikgaolong tse di farologaneng tsa Palapye di ne di kopane kwa Tamasane go rapelela bolwetse jwa HIV/AIDS ga mmogo le dikotsi tsa tsela, dipolaano tsa baratani le pula. Fa a ntsha lefoko ka letsatsi leo le le neng le tshwerwe ka mafelo a beke, moeteledipele wa lekgotla la baruti la Maunatlala, Rre Boikanyo Moleele wa kereke ya Kamo-le-kamo o boletse gore mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le seabe mo twantshong ya bolwetse jwa HIV/AIDS. A re batsadi, puso, makgotla a a ikemetseng, dikereke le baeteledipele ba tshwanetse go bua ka bolwetse jo ba sa fitlhe sepe ka bo amile mongwe le mongwe. A re letsatsi le la thapelo kgatlhanong le mogare wa HIV/AIDS le sale le tlhomiwa ka ngwaga wa 1996 mme lekgotla la baruti le tsweletse ka go le tshwara ngwaga le ngwaga. Fa a tswa la gagwe, Rre Montsho Matlala o ne a re lefatshe lotlhe ka bophara le apesitswe ke seru sa HIV/AIDS, a tlhalosa fa mogare o o ntsifetse thata, go tsweng ka ngwaga wa 1985 o sena go lemogwa mo lefatsheng leno. A re ditsamaiso dingwe tsa Setswana di rotloetsa kanamo ya mogare, ga mmogo le go nwa bojalwa phetelela. A re lehuma le lone le na le seabe se se tona mo go rotloetseng kanamo ya mogare. O kopile batho ba motse wa Tamasane go fetola maitsholo a bone gore mogare o kgone o laolesege, a ba rotloetsa go dirisanya le mokapelo a le mongwe.O gakolotse batsadi go dirisa diatlana fa ba oka balwetse gore ba seka ba amana gope le mogare, a ba rotloetsa go rapela gore kalafi ya mogare o e bonwe. Mafoko a a ile a gatelelelwa gape ke Rre Samuel Morebudi wa Kereke ya Faith Gospel After Christ. religion_and_belief 8 ‘Lwelang ditshwanelo ka boikobo’ Kgosi Basadi Seipone o gwetlhile makgotla a babereki go lwela ditshwanelo tsa babereki ba bone ka boikobo. O buile jaana mo kgotleng ya Kang kgwedi eno e rogwa jaaka a ne a amogela maloko a lekgotla la babereki la BOPEU fa ba ne ba keteka letsatsi la babereki. Kgosi Seipone o tlhalositse fa babereki ba le botlhokwa mo matshelong a setshaba ka jaana e le bone barongwa ba puso e ikaegileng ka bone go thusa go isa ditirelo kwa setshabeng. Ka jalo, Kgosi o ne a tshwaela gore se se botlhokwa ke gore babereki ba tlotle baeteledipele le go ba fa bogakolodi jo bo lolameng, a re ke yone ntlha ya konokono e ka yone ba ka kgonang go ema mmuso nokeng go ka thusana go ntsha ditirelo tsa maemo a ntlha go na le go gogela kobo ntlha e sele. O ne gape a gatelela ntlha ya gore ba lebogele menyetla ya go bo ba bone diphatlha tsa mebereko, ka jalo ba di somarele go ka tokafatsa matshelo a bone le ba malwapa a bone ka jaana lefatshe leno le aperwe ke letlhoko la mebereko. Mo go tse dingwe o ne a bua a sa kgale mathe ka boitsholo jo bo sa itumediseng jwa makgotla a babereki ka go tsosa mekubukubu fa ba sa kgotsofalele ditsanmaiso dingwe, mme a ba gwetlha go bua dikgang matlho a phage a lebane, go na le go itaana ka noga e utlwa ka jaana go ka se tsise tharabololo ya mathata. “Ntwa kgolo ke ya molomo” ga bua Kgosi Seipone. O ne a tshwaela gape gore puso e dirisa didikadike tsa dipula go duela babereki go bereka morago ga nako, mme a re seo e tshwanetse go nna thuto mo babereking gore ba tswe ka methale ya go fokotsa madi ao, ka bontlha bongwe jwa teng bo ne bo ka thusa go tlhama diphatlha tse dingwe tsa mebereko. O ne a garela ka go gwetlha makgotla a babereki go tshwaragana le puso go sekaseka dilelo tsa babereki ka manontlhotlho. Fa a latlhela tlhware logonnyana, lebutswa pele la lekgotla la babereki, Rre Francis Dipitse, o ne a gwetlha makgotla a babereki gore ba seka ba aswa lentswe ka go lwela ditshwanelo tsa babereki. O tlhalositse fa bone ba simolotse mekgatlho ya lekgotla la babereki mo lokgwereng mme ka bopelotelele le mowa wa boithaopo ba kgona go tshegetsa maikaelelo a bone a go aga mekgatlho ya sennelaruri. Ka jalo, a ba rotloetsa go nosetsa mekgatlho e, gore e seka ya phutlhama ka jaana fa ba ka raelesega ba seka ba swela dikano tsa bone ba tlaa bo ba itlhabile ka thipa mpeng, ka jaana ba tlaa bo ba sa tlhagolela dikokomane tsa bone tsela. Fa a ba ema ka lefoko, mogakaganyi wa lekgotla la BOPEU mo kgaolong ya Kgalagadi (KGAGA), Mme Onalethata Lebotse, o ne a ba gwetlha gore ba seka ba aswa senku fela fa ba bona gore melao ya pereko e ba baya ka fa tlase ga kgatelelelo, mme ba ka dira seo ka go rotloetsa kgolo ya makgotla a babereki go nna lentswe la bone. Mme Lebotse o ne a supa gape fa lekgotla le le buelelang babereki botlhe (Public Service Bargaining Council) le phutlhame, ka jalo ba le mo tseleng ya go tsosolosa lekgotla leo, go ka thusa go rarabolola dikgang tsa pereko ka tshosologo. A re ba ntse ba tsweletse ka go lwela ditshwanelo tsa babereki ka jaana bosheng ba ntse ba tshwere phage ka mangana morago ga go emisiwa ga dituelo tsa go bereka morago ga nako mme ka dipuisanyo gare ga mmuso le makgotla a babereki, mmuso o boetse tshwetso eo morago. O ne a tlhalosa fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse kwa ofising ya Babereki, morago ga gore go nne le dipelaelo tsa gore madi mangwe a tsene ka ga re itse, mme a ba solofetsa fa ba tlaa fiwa pego ditlhotlhomiso di sena go wela. Mo go tse dingwe, o supile fa maloko mangwe a le maoto a tshupa go duela madi a kgwedi le kgwedi a boloko, mme a ba rotloetsa go itsosa go hema diemo tsa go tlhoka go akola meamuso e e buletsweng maloko. O ne a iteela komiti ya kgaolo ya Kgaga legofi mabapi le boitsholo jo bo itumedisang ka jaana a tlhalosa fa ba sa tlhagelele mo dipalong tsa maloko a a tseelwang dikgato mabapi le boitsholo jo bo sa letlelesegeng. O ne a tlatsa ka go re ba iphaphe mo go diriseng maranyane go kgoba le go leswafatsa ba bangwe mme ba a dirise go anywa dikitso tse di botlhokwa go ka tlhabololo dikitso tsa bone. Molaetsa wa letsatsi go tswa kwa moeteledipeleng wa lekgotla la babereki la BOPEU, Mme Masego Mogwera o ne wa balwa ke mopalamnete wa pele wa kgaolo ya Kgalagadi Bokone, Rre Phillip Khwae, o ka one a neng a kgothatsa maloko go tshwaragana go lwela ditshwanelo tsa bone ka bongwefela jwa pelo. BOKHUTLO society 9 DBES e neela mogodi lorato Lephata la dikago le boranyane mo Bobonong erile bosheng la apaya dijo gammogo le go phepafatsa lelwapa la ga Mme Goitsemodimo France mo motseng oo. Fa a bua mo potsolosong, mogolwane wa lephata leo mo Bobonong Mme Babedi Kebonang o tlhalositse fa go apaya dijo le go phepafatsa moo e le tsela nngwe ya go araba selelo sa ga Tautona sa go rotloetsa maphata a puso go neela batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng gammogo le ba-na-le-bogole lerato. O tlhalositse gape fa go phepafatsa le go apaya dijo moo e le tsela nngwe ya go isa ditirelo tsa lephata kwa setshabeng. Mme Kebonang o tsweletse a tlhalosa fa ba tlhophile lelapa la ga Mme Goitsemodimo France ka a na le ngwana wa mo-na-le-bogole. A re e le ba lephata la dikago le boranyane ga ba a itebaganya fela le tiro ya go aga le tsa boranyane. Mme Kebonang o kaile fa tiro e tshwana ya go phepatsa e dira gore setshaba se lemoge botlhokwa jwa bone e le lephata. O supile fa ba setse ba kile ba aga, ba phepafatsa le go abela ba-na-le-bogole gammogo le bao ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng diaparo le melora mo metseng e tshwana Bobonong, Semolale, Mathathane, Tsetsebye le Robelela. Fa a tswa la gagwe mongwe wa badiri ba lephata leo Rre Total Masitlha o kaile fa lephata la bone le aparetswe ke dikgwetlho ka ba dirisa madi a bone go thusa ba-na-le-bogole le bao ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. O rotloeditse maphata a mangwe a puso go ema ka dinao mo go thuseng batho ba lefatshe leno. Fa a latlhela la gagwe Mme Goitsemodimo France o lebogetse lephata la dikago le boranyane tiro ya go phepafatsa lelapa la gagwe gammogo le go tlhola le ene a tlatsa ka gore seo ke mowa wa go supa lerato. O ikaile fa e le motho yo o tshelang ka bokoa a tlatsa ka gore go phepafatsa lelapa la gagwe ke tiro e e bokete mo go ene. society 9 Dikoloti o lekola dikole Mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang a re o go a nametsa go bona dipaakanyo tse di dirilweng go lwantsha go anama ga bolwetse jwa COVID-19 ka dikole di le mo seemong se se itumedisang. Rre Edwin Dikoloti, yo gape e leng tona wa tlhabololo temo-thuo le dijo, o buile jaana ka Labotlhano mo letsholong la gagwe la go lekola dikole tse di mo kgaolong ya gagwe ka fa di tsweletseng ka teng go ipaakanyetsa go bulwa ga tsone gompieno. Rre Dikoloti o ne gape a abela dikole tseo dikobo, mesangwana ya basetsana le di O tlhalositse fa dipaakanyo tse di setseng di dirilwe di siametse go ka amogela bana ba dikole tse dikgolwane tsa Chichi kwa Molapowabojang, Nthwalang kwa Digawana le sa Mmathethe. Dingwe tsa dipaakanyo di akaretsa go baya metsi a a tlhapang diatla a tlhakane le molora e bile a le bothitho, go kwala maina le go tsewa mogote fa baithuti ba goroga le go katologana ga bone mo matlwaneng a borutelo. Mopalamente a re o gwetlhegile go abela dikole tsa Nthwalang le Mmathethe dikobo go thusa baithuti mo pakeng eno ya mariga ka e le tsone di nang le boroko jwa baithuti. A re mme o ne a bona go tshwanetse go abela le se segolwane sa Chichi kwa Molapowabojang ntswa se se na boroko jwa baithuti, seo e le go thusa bana ba ba nang le botlhoki le go rotloetsa seriti sa bana ba basetsana ka go aba mesangwana. Rre Dikoloti o ne a leboga barutabana bangwe le batsadi mo dikoleng tseo ba ba neng ba seka ba ipona tsapa go thusa ka se ba nang le sone ka nako ya didirisiwa di tlhaela gore tiro e tswelele ba santse ba di letetse. A re ka jaana puso e ne ya kopa setshaba go thusa letlole le le tlhomilweng go lwantsha go anama ga bolwetse COVID-19 ka madi kgotsa dithuso tse di farologaneng, a re seo se ne sa mo gwetlha go thusa ka dimpho tseo, fela a tlhalosa fa mesangwana yone e le thuso go tswa kwa komponeng ya Euclea Crispa. Fa ba lekodisa mopalamente, baemedi ba dikole tseo ba ne ba supa fa ba ipaakanyeditse go amogela baithuti ba bangwe mo bekeng eno ka dipaakanyo tse ba setseng ba di dirile. Le fa go ntse jalo, ba ne ba kopa tona gore go seka ga tsaya nako e telele go shafatsa dikago tsa dikole. Ba ne ba lebogela dimpho go tswa kwa go mopalamente, ba supa fa di tsile ka nako e e siameng ka jaana dikobo tseo di tlaa jesa baithuti bothitho mo pakeng ya mariga. BOPA health 6 Babereki ba gakolotswe go swela dikano Babereki ba lekgotla le le ikemetseng la tsamaiso ditlhopho (IEC) ba gakolotswe go swela dikano gore ba kgone go tsamaisa thomo ya bone ka manontlhotlho go sena selabe sepe. Mogolwane wa IEC, Rre Alpheus Matlhaku o buile jaana bosheng kwa Mahalapye kwa moletlong wa go leboga badiri ba ba dikileng ba dirile bontle go fitlhelela maitlamo a lekgotla. Rre Matlhaku a re IEC e filwe namane e tona ya go rulaganyetsa le go tsamaisa ditlhopho, tiro e e tlhokang go siselwa le go tshwarwa ka manontlhotlho. A re, ‘ditlhopho ke selo se se masisi, se tletse manganga, dintwa le kganetsano’. Rre Matlhaku a re phoso epe e e ka dirwang ke mmereki wa IEC e ka tsala dikgoberego. “Lona ba le tsamaisang ditlhopho le nna le kokobetse, le ipotsa gore di ka tsamaya bogole fa kae mo go ka felelang go kgoberile bangwe maikutlo,” Rre Matlhaku a supa. Ka maikaelelo e le go tsamaisa ka mokgwa o o ka se keng wa kgopisa ope, Rre Matlhaku o gakolotse babereki ba IEC gore ba seka ba lebala maitlamo a gore ba tlaa dira gotlhe go nosetsa matshego a puso ya batho ka batho. “Se lebaleng maikano, a le a tsereng go direla lekgotla le,” a gakolola. Rre Matlhaku a re tiro ya ditlhopho e tlhoka babereki ba ba wetseng dibete, ba le kelotlhoko le botho e bile ba sala tsamaiso morago gore ba tsepame mo go se ba se romilweng. O akgotse badiri ba IEC, a re ba dira ka natla go tshegetsa tsamaiso ya lekgotla. Rre Matlhaku a re puso ya batho ka batho e tlhoka go nosediwa ka nako tsotlhe gore e seka ya kgotlelwa ke dilabe, ka jalo babereki ba IEC ba tshwanetse ba itse gore tiro e ba e dirang e tlaa tswelela ka go kgalwa le go nyefolwa ke bangwe. A re se se botlhokwa se ba tshwanetseng go se dira le fa diemo di le thata ke go sala tsamaiso morago le go tswelela ba ruta setshaba ka tiro ya IEC. O supile fa go le botlhokwa gore bodiredi jwa IEC bo tlholaoganye tsamaiso ya molao gore ba kgone go dira tiro ya bone ka boamaruri. A re tiro ya IEC e tlama badiri gore ba eteletse pele dikeletso tsa lefatshe go na le tsa bone, mme seo se ka kgonwa fela ke motho a ineetse go dira ka natla. E rile a itebaganya le kabo dietsele, Rre Matlhaku a supa fa go se thona go tsaya nako ba kopana ka se se sa itebaganya thata le tiro ya malatsi otlhe. A re bokopano jwa mofuta o, bo fa babereki sebaka sa go ithuna dinta gore ba kgone go tsholetsa seemo sa go neela setshaba ditirelo. O supile fa go le botlhokwa go akgola ba ba dirileng ka natla le gore ba ba sa bonang sepe ba lemoge botlhokwa jwa go dira ka natla. Rre Matlhaku a re IEC e motlotlo ka tiro e e dirwang ke babereki ba yone mme e tlaa tswelela ka go itlotlomatsa le go ipelafatsa ka bone. O supile fa IEC e lebogela tshwaragano e le e fiwang ke maphata a mangwe a puso, makgotla a a ikemetseng ka nosi le setshaba ka kakaretso gore le kgone tiro ya lone. A re ga a na pelaelo epe gore babereki ba IEC ba ikemiseditse go dira tiro ya bone ba tiisitse moko. A re selo se se botlhokwa ke go bereka ba le seopo sengwe. BOKHUTLO politics 7 Kgosi o kgothatsa banni go kwadisa dithoto Mothusa motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Bringle Dithapo, a re bogosi bo tshwenngwa ke dikgotlhang tse di bakiwang ke go lwela boswa. Kgosi Dithapo o buile jalo ka Laboraro fa a bula semmuso ntlo ya ngwao kwa kgotlaneng ya Boseja-Kubung kwa Maun. O supile fa dintwa tsa boswa di bakiwa ke go bo Batswana ba sena ngwao ya go kwala. Ka jalo o kgothaditse banni ba Maun go ithuta go kwala ka botshelo jwa bone le ka dithoto tse ba nang le tsone. A re seo se ka thusa thata fa ba setse ba hulere gore dithoto tsa bone di kgaoganngwe ntleng le dikgotlhang. Kgosi Dithapo o kgothaditse banana go bega dikgang tsa tiga lebele kwa kgotleng kgolo ya goo Tawana. O tlhalositse fa tiga lebele e duelwa ke rraagwe ngwana wa ntlha, mme kotlhao ya teng ke dikgomo di ferangbobedi. Kgosi Dithapo o supile fa banana ba sa tlhole ba bega dikgang tseo, mme a re go maswabi ka bangwe ba bone ba sotlega ka bana fa bo rabana ba sa ba tlhokomele. Fa a bua ka ntlo ya ngwao, Kgosi Ditlhapo o supile fa ntlo eo ele botlhokwa go somarela ngwao e e nyelelang. A re pele banni ba kgaolo ya Bokone Bophirima ba ne ba aga ka lethaka le le neng le tsewa mo nokeng mme morago ba aga matlo ka mmu. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Boseja-Kubung, Mme Priscah Kaiko ene o ne a tlhalosa fa ntlo eo ya ngwao e tlaa dirisiwa go kokoanyetsa lekgotla la bone madi. Mme Kaiko o supile fa ba ba nang le kgatlhego ya go itsaya dinepe fa ntlong eo batla a lefisiwa madi. O tlhalositse fa ntlo eo e agilwe ka lenaneo la Ipelegeng. society 9 Monni o galaletsa lenaneo la RADP Rre Namolang Sutelang wa Majwanaadipitse a re lenaneo la go thusa metse ee kgakala le ditlamelo la RADP le mo inotse mo isong. A re e ne ya re ka 2004, a simolola go nna morui morago ga gore puso e mo rekele dikgomo tse di namagadi di le tlhano ka lenaneo la RADP. Rre Sutelang o tlhalositse mo potsolotsong ka Mosupologo gore o ne a tlhokomela leruo leo, mme la seka la mo swabisa ka le ne la mo tsalela go fitlha dikgomo di nna masome a mararo le boferabobedi. A re dikgomo tsa gagwe di ne di tsala dinamagadi mme seo sa mo itumedisa thata. Rre Sutelang a re go tswelela a tlhabolola botshelo jwa gagwe, o ne a ikagela ntlo le semausu a bo a se tsenya dithoto. Rre Sutelang, yo o direlang kwa sekoleng se sepotlana sa Majwanaadipitse e le moapei, a re o thusitswe ka lenaneo a ise a berekele kwa sekolong mme o ne a kgona go tlamela ba lelwapa la gagwe ntle le tshokolo. A re o eletsa go iterela go feta jaaka a dirile mme se se mo gwetlha go tshwara ka natla. A re motlhala wa matsapa a gagwe o setse o bonala ka a kile a rekisetsa lenaneo le le thusang banana dikgomo. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ditshingwana ga di dire sentle Lenaneo la ditshingwana tsa kwa morago kwa motseng wa Mmathubudukwane mo Kgaolong ya Mochudi Botlhaba ga le dire sentle ka le lebanwe ke kgwetlho ya metsi. E rile modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Kenneth Pule a bua mo potsolosong le BOPA, a tlhalosa fa metsi e le mmaba yo mogolo mo go atlegeng ga lenaneo leo. A re e sale batho ba motse oo ba direlwa ditshingwana tseo, ga ba ise ba akole dipoelo tse di kgotsofatsang tsa ditshingwana tseo mme kgangkgolo e le ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa metsi. Rre Pule o ne a supa fa ditshingwana di ka nna supa mo motseng oo di sa bereke ka lebaka la kgang ya metsi mme a tlatsa ka gore e re ka e bile go sena pula ngwaga ono, seemo se ile masweng. A re ba kile ba buisana le Kgosi ya motse wa bone go dirisa tshingwana nngwe ya motse gore botlhe ba mananeo a temo le a mangwe ba ye go e dirisa ka e bapile le noka mme e bile metsi e tla bo e se mathata. O ne a tlatsa ka gore mo nakong ya gompieno ba baakanya tshimo eo gore ba ba nang le keletso ya go e dirisa ba ithsupe mme ba tla neelwa sebaka sa go e dirisa gore ba e ntshe mo lehumeng. E ntse e le mo motseng wa Mmathubudukwane, lenaneo la Ipelegeng le tsweletse sentle le fa ntswa mathata e le dipalo tse dintsi tsa batho ba ba nang le kgathego ya go bereka mo lenaneong leo. Rre Pule o supile fa ba bereka sentle le morafe wa bone mme sebe sa phiri ke gore palo e ba e filweng e nnyane bogolo jang fa a lebeletse dipalo tsa batho ba ba tshologelang lenaneo leo ka malatsi a khiro. A re e bile seemo se ile masweng ka gore ngwaga ono temo e kwa tlase mme seo se raya gore batho ba mo gae ka ba lemile morago e bile dipula di le boutsana mme seo se okeditse dipalo tsa morafe mo gae. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo o supile fa a tshwenyegile ka dipalo tse dintsi tsa banana ba ba hirwang mo Ipelegeng a tlatsa ka gore seo ke sesupo sa gore ga ba akole mananeo a mangwe a puso a a lebaneng bone ka sebele. Rre Pule a re seo ga se mo jese diwelang ka jaana ba tshwanetse ba dirisa mananeo ao bogolo jang ka a ka ba inola mo botlhoking jwa bone. A re dipalo tsa banana ba ba tsereng mananeo a banana mo motseng oo di kwa tlase fela thata fa ba ba a tsereng bone ba ole e bile go se nko e tswang lemina. Rre Pule a re seo se tshwentse fela thata bogogi jwa motse oo mme a re ba tsile go dira mo ba ka go kgonang go rotloetsa banana go tsaya mananeo a lekalana la banana le gone go tsena mo dikgwebong tse di ka tlhabololang motse wa bone le one matshelo a bone tota. Le fa go ntse jalo, Pule a re o lebogela gore motse wa bone o bo o tlhophilwe go nna kgaolo potlana ka seo se raya gore ditirelo di tla ba atamela mme mosepele wa go ya Mochudi o tla ya bokhutlong. A re seo se tla thusa fela thata ka batho ba metse ya dinoka ba ne ba sokola fela thata bogolo jang ka ba itshokolela mme ebile madi a sepalamo a le bokete go bonwa. O ne a ngongorega thata ka kgaogo ya motlakase mo motseng wa bone, a re letsatsi le letsatsi ba kgaolelwa motlakase ka nako ya borataro mme a re o rapela gore seemo se se tle bokhutlong mme lefatshe la Botswana le nne le motlakase wa lone o o lekaneng go anama le lefatshe. BOKHUTLO education 4 Lekgotla le kgalemelela banni go rekisa ditsha Lephatla la kabo ditsha la Tati le rotloeditse banni ba Ditladi go emisa mokgwa wa go rekisa ditsha fa ba palelwa ke go ditlhabolola. Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Ditladi mo boemong jwa modulasetilo, leloko mo lephateng la kabo ditsha la Tati Rre Lempaletse Mbayi o ne a kgala mokgwa wa go rekisa ditsha mo go ileng magoletsa mo banning ba motse oo le ba Tati Siding. Rre Mbayi o tlhalositse fa ba itemogetse gore metse e mebedi eo, fa baikopedi ba sena go abelwa ditsha mo nakong e khutshwane ba boa gape ba tsenya kopo ya go fetisa ditsha tse ba sa tswang go di abelwa. O ne a kgala mokgwa oo, a tlhalosa fa e le thulaganyo ya go ipatlela khumanego mme a rotloetsa banni ba ba neng ba tshologetse phuthego go emisa go rekisa ditsha, a re nako e jaanong ba tlaa bong ba batla ditsha dibalamakgolo di tlaa bo di supa fa ba kile ba fiwa ditsha. Rre Mbayi o ne a tlhalosa gore fa dibalamakgolo di supa gore moikopedi o kile a fetisa setsha, leina la gagwe le tlaa bo le isiwa kwa tlase mo go ba ba emetseng go bewa. Ka jalo a re go tlaa tsaya nako e telele gore moikopedi yoo a fiwe setsha se sengwe, mme a ba etleetsa go somarela ditsha go itsa khumanego. A re bontsi bo supa fa ba rekisa ditsha lebaka e le gore ba palelwa ke go ditlhabolola, mme a supa fa lephata la bone le sa tseele batho ditsha ka dikgoka fa ba palelwa ke go di tlhabolola. Rre Mbay o ne a supa fa lephata la bone le na le thulaganyo e e tlhomameng e e leng gore moikopedi fa a palelwa ke go tlhabolola setsha o ka e dira go tila go gapelwa. Rre Mbayi o ne a tlhalosa gape gore lephata le letlelela temo-thuo e e tswakantsweng, a tlhalosa gore fa molemi a na le tshimo o letlelesega go ka e kgaoganya a lema le go ruela dihutsana mo go yone. A re ke nngwe ya methale e puso e e letlelang gore banni ba ka e dirisa go tlhabolola matshelo a bone. Fa a bua ka thulaganyo ya kabo ya ditsha, Rre Mbayi o ne a tlhalosetsa banni ba Ditladi gore thulaganyo ya bogologolo e e neng e letlelela moikopedi go ka tla kwa lekgotleng go supa fa a eletsa go ka bewa golo gongwe e sa tlhole e letlelelwa. O tlhalositse gore moikopedi mongwe le mongwe fa a tsenya kopo a tsenngwa mo moleng wa baikopedi botlhe. Rre Mbayi o ne a boa gape a tlhalosa gore molao wa bone o letlelela Motswana go ka nna le setsha se le sengwe fela mo Botswana, go sa kgathalesege gore se kwa toropong kana kwa legaeng. society 9 Matlotla a puso a tsile go thujwa Dikago tshotlhe tsa bogologolo tsa puso tse di duleng matlotla di tsile go thubiwa go agiwa dikago tsa matlhatlaganyane tsa bonno jwa badirelapuso. Mafoko a, a builwe ke tona wa lephata la dikago, boranyane le boitseanape, Rre Nonofo Molefhi, mo phuthegong ya kgotla e a neng a e tshwere mo Mahalapye ka Labone. Tona Molefhi a re e rile puso fa e tlaa tlogela dikago tseo bogolo jang thata tsa modiro wa asbestos ga bo go dule dipego tsa gore fa a setse a tsofala e baka kankere ke ka moo puso e neng ya tswa mo dikagong tsa mofuta oo. A re puso jaanong e lemogile gore e re ka badiri ba yone ba tlhaelelwa ke boroko, tsile go thuba dikago tseo mme go agiwa matlo a matlhatlaganyane go ba direla boroko. O ne a tlhalosa gore e re ka go na le tlhaelo ya lefatshe, lefatshe ka bophara ba bone go le botoka go aga matlo a matlhatlaganyane go somarela lefatshe. Rre Molefhi o ne a araba mafako a ga Kgosi Duncan Segotsi yo o neng a itela ka dikago tsa puso tse di tletseng kwa Mahalapye mme di sa dirisiwe, e bile di setse di fetogile matlotla. Kgosi Segotsi o ne a tlhalosa gore dikago tseo e bile e setse e nna matlo a a iphitlhang magodu, a tlatsa ka gore a puso e ka se di rekisetse setshaba bogolo jang ka di agilwe ka madi a mantsi kgotsa ya di thuba go leka go fema diemo tse di sa siamang tse. Rre Molefhi o ne a tswelela ka go tlhalosa gape gore lephata la gagwe le itebagantse le dikago tsotlhe fela tsa puso di akaretsa dikole, dikokelo, le diofisi tsa maphata a puso ka go farologana. O ne a tlhalosa gore bone e le ba lephata la dikago, boranyane le boitseanape ba fa maphata a puso bogakolodi jwa dikitso gore ba ka aga jang dikago tsa bone fa ba batla go aga le boitseanape jwa ditlhaeletsano. Rre Molefhi o ne a tlhalosa gore lephata la gagwe le puso ba seegetse fa thoko madi a a tshwarang P15 million go abelwa banana bao ba ba tlaa bong ba na le dikgwebo tse di itebagantseng le tsa kago gore ba phadisanye ba kgone go itlhamela ditiro le go tlhamela ba bangwe ditiro. O ne a tlhalosa gore le fa go ntse jalo, maphata otlhe a puso le one a itlamile gore ba seegele fa thoko seelo sa ditiro tsa bone go ka di neela banana gore ba ba rotloetse. Le fa go ntse jalo, tona Molefhi o ne a tlhalosa gore lephata la gagwe le simolotse molao o ka one o tsileng go tlama boradikgwebo, boramaranyane, baagi, le bao ba ba kanokang dikago gore ba dira tiro ya bone sentle. A re batho ka bontsi ba setse ba tsaya gore madi a puso a motlhofo go ka bonala mme ba dire tiro e e loleya fela ba gabile go duelwa. O ne a tlhalosa gore mo ngwageng wa madi wa 2016/17 melao e meraro e ya go tlama botlhe b a ba amegang gore fa motho a sa dira tiro ya gagwe sentle a kgone go seka mme gape a bo a thibelwa go tlhola a bona tiro mo pusong. Rre Molefhi a re mo go tsile go rurifatsa gore botlhe ba dira tiro ya bone ka botswapelo le ka boammaaruri, a tlatsa ka gore boradikgwebo bangwe ba baya matshelo a batho mo kotsing ka go sa dire tiro sentle. E ne e rile go le pele modulasetilo wa ditlhabololo tsa Mahalapye Rre Mmoloki Ntapu a tlhalosa fa dikago tsa puso ka bontsi di sena tlhokomelo e e siameng mme tse dingwe di le disha mme di setse di senyegile. Rre Ntapu a re fa e sale puso e emisa tlhokomelo ya dikago go tswa kwa lephateng la tsa kago, dikago tsa puso ga di na tlhokomelo a a fa sekai ka kago ya ga mmakaseterata ya Mahalapye. One a itela mo go tona gore a dikago tse jaanong di fetogileng matlotla mo Mahalapye a di ka se neelwe mekgatlho ya banana le bomme go itshimololela ditirelo mo go yone ka di sa dirisiwe. BOKHUTLO politics 7 Komiti ya Somerset Botlhaba e lebogela go agelwa diofisi Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolwana ya Somerset Botlhaba kwa Francistown, Rre Molaodi Maiketso a re ba lebogela kago ya diofisi tsa komiti ya bone. Diofisi tse ba di agetswe ke khansele ya Francistown ka fa tlase ga lenaneo la madi a ditlhabololo tsa dikgaolo tsa botlhophi. Rre Maiketso o ntshitse malebo ao mo potsolotsong le A re tumalano ya kago ya diofisi tse e ne e le ka lebaka la gore e le ba komiti e e eteletseng ditiro tsa ditlhabololo tsa kgaolo, ba ne ba sena lefelo le ba direlang ditiro le dithulaganyo tsa kgaolo mo go lone. A re komiti e direla ditiro tsa kgaolo jaaka diphuthego le phiro ya babereki ba Ipelegeng mo malwapeng, selo se a tlhalositseng fa se sa jese diwelang. Jaanong ka ba agetswe diofisi tsa dikamore tse pedi le matlwana a boitekitso a mabedi, Rre Maiketso a re di tsile go ba thusa go dira ditiro tsa bone ka manontlhotlho. Go sa le foo, o ne a tlhalosa gape fa ka madi a ba tlhabolola ditsela tse di mo kgaolong ka go di tsenya ditena, a bolela fa ba tlaa ipelafatsa ka ditlhabololo tseo. O bile a leboga thulaganyo ya madi a ditlhabololo tsa dikgaolo, a re e tsile ka nako e e maleba go thusa go dira dingwe tsa ditlhabololo tse di saletseng kwa morago. Rre Maiketso a re o leboga khansele ya Francistown go ba e tsweletse ka go tlhabolola mangwe a mafelo a toropo a a sa dirisiweng gore a tsene mo tirisong go na le gore a ije hela. O tlhalositse fa ditiro tse tsotlhe di diragadiwa sentle ka nako e di e beetsweng. A re di mo seemong sa go ka wediwa. Fa a mo kgwa dikgaba, motshwara madi, Rre Binikwa Thamani o tlhalositse fa se se molemo ka ditiro tsa ditlhabololo tsa dikgaolwana e le gore di dirwa ka tsela e e thusang go tlhabolola matshelo a banni ba kgaolo. “Gone fa re bua jaana tiro e e akareditse rakonteraka wa kgaolo ya Somerset Botlhaba e bile e thapa banni ba kgaolo e.” Rre Thamani a re go bo ditiro tsa bone di tsweletse sentle ke ka ntata ya tshwaragano le therisanyo e e nitameng gareng ga bone e le baeteledipele le banni ba kgaolo. O ne a tlhalosa fa sengwe le sengwe se le motlhofo go dirwa fa morafe o berekisanya sentle ka popagano le therisanyo le khansele. BOKHUTLO politics 7 Makhanselara a intsha setlhabelo E rile morago ga pulo semmuso ya mmolo wa maphatsi phatsi wa Mongala mo Kanye beke e e fetileng, makhanselara a kgaolo ya Borwa a nna le keletso e tona ya go bula dingwe tsa ditlhabololo tsa bone tse di ntseng di le teng di bereka mme di ise di bulwe semmuso. Ba boletse jalo mo bokhutlong ja phuthego ya khansele e e neng e kopane beke e e fetileng, Makhanselara a re, a batla go bula ntlo lohalahala ya bone (Tomela Chamber) e ba ntseng ba tsena diphuthego mo teng dingwaga tse tlhano tse di fetileng. Ba boletse fa ba batla go bula ntlo lohalahala eo ka boithaopo ja bone, puso e sa ntshe le fa e le thebe. Makhanselara ka bongwe ka bongwe ba ne ba solofetsa go ntsha diabe tsa bone, mme madi a a solofetsweng go tswa mo bangweng ba bone ke P42000. Dingwe gape tse di solofetsweng go ntshiwa di akaretsa; dikgomo di le supa, dipudi di ferabobedi, dinku tse tharo, dikhilokereme di le lekgolo le botlhano tsa nama ya koko le kgetsi ya dinawa. Mo teng ga madi a a solofetsweng go ntshiwa modulasetilo Rre Leach Tlhomelang o solofeditse go tswa P10 000, fa mothusi wa gagwe Lt.Col. Fairbridge Pule ene a solofeditse P5000. Dimpho tse tsotlhe di solofetswe go ntshiwa kgwedi ya Moranang e ya fifing, morago go rulaganngwe letsatsi la pulo. E rile fa a tswala khansele modulasetilo Rre Tlhomelang, a rotloetsa makhanselara go nna ba itlhatlhobela malwetse a a bofitlha jaaka ja madi a matona, sukiri le kankere, a bolela fa a le borai thata mo morafeng e bile a feditse batho go gaisa le jone ja AIDS. Rre Tlhomelang o ba rotloeditse gore ba etele dikokelo le fa ba sa lwale go bona gore a malwetsi a, ga ise a ba tsene ka gore ga a ke a itshupa motlhofo mo mothong. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Tsenang diphuthego tsa kgotla - Habangana Kgosi Ngocha Habangana wa Mapoka kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba a re o tshwenngwa ke banni ba motse ba ba maoto a tshupa go tsena diphuthego tsa kgotla. Kgosi Habangana a re le ntswa go dirwa maiteko a go anamisa molaetsa ka diphuthego, bangwe ba tsweletse ka go itlhokomolosa seo. A re ke matlhabisa ditlhong ka jaana morafe o na le mokgwa wa go iponatsa kwa kgotleng fela fa go na le khiro ya Ipelegeng kgotsa go na le phuthego ya matona a puso. Kgosi Habangana a re batho ba tshwanetse go tlhaloganya fa go tsena diphuthego tsa kgotla go le botlhokwa, ka e le gone kwa ba utlwang le go abelana megopolo tebang ka ditlhabololo tsa motse. Le fa gontse jalo, Kgosi Habangana a re ba mo lenaneong la go simolodisa thulaganyo ya gore go hirelwe Ipelegeng kwa dikgotlaneng, mme go tlaa dirwa jalo go sena go sekasekwa ka fa ba tsayang karolo mo ditirong tsa motse ka teng, go akarediwa le gone go tsena diphuthego tsa kgotla. A re mo godimo ga moo, ba mo thulaganyong gape ya gore e re pele ba neela ope yo o kopang thuso fa kgotleng ya motse, ba bo ba sekaseka pele mo dibukeng tsa bone go tlhomamisa gore a motho wa go nna jalo o tsena diphuthego tsa kgotla. Tebang le ditlhabololo tsa motse, Kgosi Habangana a re le fa ditlhabololo di tla ka go rotha, o itumedisiwa ke go bo ditiro dingwe di tsweletse ka go diragadiwa. O supile fa kago ya leobo la kgotla le le agiwang ka madi a ditlhabololo a a abelwang dikgaolo e tsweletse sentle mme e bile a na le tshepo ya gore e tlaa bo weditswe mo nakong e e sa fediseng pelo. A re dingwe tsa ditlhabololo tse ba di solofetseng kwa motseng wa bone ke go agiwa ga matlo a LA2 a le mabedi le satellite police. Kgosi Habangana a re go agiwa ga matlo ao, go tlaa fokotsa letlhoko la boroko jwa badirela puso, jo a boletseng fa e le nngwe ya dikgwetlho tse di sa ba jeseng diwelang kwa motseng oo. O tlhalositse fa seemo seo se ama bogolo jang baoki, ka jaana ba felela ba tlamega go theogela ba tswa kgakala le kwa kokelong mme e bile mongwe wa bone a theogela a tswa Francistown, a re seo ga se a ema banni sentle fa ba na le diemo tsa tshoganetso bosigo. Kgosi o tsweletse ka go kopa khansele go tsholetsa dinao, go netefatsa gore e isa didirisiwa ntle le tiego epe le go tlhomamisa gore ditiro di wediwa ka nako. Kgosi Habangana o boletse fa a itumelela go bo mananeo a nyeletso lehuma a goroga kwa motseng wa bone, le fa a le sebete se molangwana tebang le banni bangwe ba ba nang le mokgwa wa go sa tlhokomeleng tse ba thusiwang ka tsone. A re go a tshwenya ka jaana bangwe ba felela ba phuaganya mananeo a bone mme boemong jwa moo, ba bo ba ikanya lenaneo la Ipelegeng. politics 7 Basamarea ba ba molemo ba thusa bagodi Basamarea ba ba molemo ebong bomme Justinah Motshidisi le Charity Hiscox wa Thapelong Empowerment Centre, ba ithaopetse go fepa bagodi ba Bokaa ka dijo fa ba ile go amogela madi a bogodi. Mme Motshidisi a re o ne a gwetlhwa ke gore bagodi ke batho ba makoa a a tshwanang le bolwetse ba sukiri mme ba tlhola kwa posong mo meleng e meleele ba emetse go amogela ba bo ba felela ba tshwarwa ke tlala le go sa fetseng se ba se etseng. A re ba simolotse go dira tiro e ya go abela bagodi dijo Tlhakole a rogwa mme ga ba thuse bagodi fela, ba thusa le batsadi mo malwapeng ba ba nnang ba sena batlhokomedi ka go ba fa dijo ka Mosupologo le Labotlhano. O ne a tlhalosa fa a sa bolo go eletsa go bereka le bagodi mme janong se e le sebaka sa go bereka le bone le go ba ikatumetsa gore a tle a kgone go itse matlhoki a bone. Mme Motshidisi a re ga ba thuse banni ba Bokaa fela, a tlatsa ka go re ba thusa bagodi ba metse e mengwe jaaka ya Morwa, Rasesa, Pilane le Mochudi. A re o eletsa go bona ba godile ba na le lefelo le go nnang bagodi fa ba ka ba tlhokomelang sentle teng. Mme Hiscox a re o bone go tshwanela go itshwaraganya le Mme Motshidisi go thusa bagodi ka a bone tshokolo e bagodi ba nang le yone fa ba ile go amogela. A re go na le bagodi ba ba nnang ba le nosi fa ba bangwe ba sa kgone go itirela se ba ka se jang. Mme Hiscox o ne a kopa dithuso mo makalaneng a a ikemetseng go ba thusa ka tse ba ka di kgonang go isa ditlamelo kwa bagoding. O ne a iteela legofi marekisetso a Woolworths, a ba lebogela go bo e le bone ba ba fang dijo go apeela bagodi. Motshwarelela mogolwane wa Poso ya Bokaa, Mme Tumisang Bareetseng, o iteetse Mme Motshidisi le Mme Hiscox legofi ka tiro e ntle e ba e dirang ka se se dira gore bagodi ba seka ba fela pelo go thusiwa ka ditlamelo tsa poso. A re o itemogetse fa Batswana ba se maoto a tshupa mme ka jalo o ne a gwetlha Batswana ba bangwe go thusa ka fa ba ka thusang ka teng. O ne a digela ka go re go thusa bagodi ke letlhogonolo, ka jalo ba tlaa bona matlhogonolo le katlego mo tirong e ntle e ba e dirang. Mme Khumoetsile Ramorwa yo e leng mongwe wa bagodi ba ba neng ba abelwa dijo o ne a tlhalosa fa thuso e e ba solegela molemo ka ba sa ngongorege ka tlala fa ba santse ba emetse go thusiwa. Mme Ramorwa a re ba ntse ba phakelela kwa posong go tsaya dikatso ba sa ja mme se se thusa go tshwara legaba e bile se ba itumedisa thata e le bagolo go bona bana ba ba tlhokometse. BOKHUTLO society 9 Thuto boswa ga e sekwe - Autlwetse Mopalametse wa Serowe bokone Rre Kgotla Autlwetse o kopile batsadi go isa bana kwa dikolong ka puso e simolodisitse dithuto tsa bone mo dikolong tse dipotlana. Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Mabeleapodi bosheng, o tlhalositse fa tshimolodiso ya dithuto tse e le ka ntlha ya gore e rile mo tekeletsong ga lemogwa fa bana ba dira sentle thata fa ba simolotse ka dithuto tse, ebile fa ngwana a ya kwa lokwalong la ntlha o a bo a setse a kgona go tlhaloganya tse a di rutwang. Rre Autlwetse, yo a tlhalositseng fa puso e beile botshelo jwa lefatshe leno mo di-tswa mmung fela,o supile fa gole bothokwa go ruta Batswana, ka di-tswa mmung di ka nna tsa fela. A re fa bana ba rutwa tiro ya diatla kwa tshimologong ya dithuto tsa bone go tlaa nna molemo ka fa ba fatlhoga ba tlaa itlhophela sekole se ba batlang go tswelela ka sone. A re ditiro tse tsotlhe di batla madi go tsweledisiwa seo ga se dirwe letsatsi le le lengwe fela. E rile ba akgela, banni bangwe ba Mabeleapodi ba kopa gore a Batswana ba batlelwe mmaraka fa ba sena go fiwa mananeo le one mananeo a salwe morago go bona gore a dirisiwa sentle. Banana bangwe ba kopile puso go ba direla lefelo la itloso-bodutu ka seo se ka thusa go ba ntsha mo ditirong tsa botlhoka tsebe, ka go tlaa bo go na le mabala a metshameko a a farologanyeng. Mongwe monana o rile kgang ya go boelela thuto e siame mme e borai mo baithuting ba ba botlana ka bomogoloabone ba tsile go ba kgokgontsha. Ba ne ba kopa gore kgaolo ya Paje/Mabeleapodi e kgaoganngwe. Ba thuto-ga-e-golelwe ba re ba tlhoka ditlamelo, bangwe ba kopile gore ba direla puso ba rotloediwe go reka mo go bone ba ba dirileng ditiro tsa diatla. Ba kopile mapodisi a nakwana mo motseng wa bone. Mme Kgoreletso Bikitshanawa boipelego o tlhaloseditse banana gore fa ba kile ba fiwa madi ba le setlhopha ba kgona go fiwa le ba ikemetse. Ba metsi ba kopile maitshwarelo gotlhoka go itsise morafe fa go na le thaelo ya metse, morafe o ne o ngongoregile gore fa metsi a seyo ga ba itsisiwe mme fa go batliwa dituelo ba a itsisiwe. Ba tlhalositse fa ba sielwa metsi ke didiba tsa ba motlakase ka metsi a tlhaela e le ka ditanka tse di teng di le dinnye mme ba tla okelediwa tanka. Ba kopile morafe go tlhokomela diphaephe tse ba gang metsi mo go tsone ka di sa somarelwe mme di senyega kgapetsakgaptsa. Mopalamente o ne a tsibogela dikgang dingwe tsa morafe a re gore motse o nne le mokhanselara ke fa morafe o le 5000 mme metse eo ga e ise e lekane. O kopile banana go tsaya thuto ka tlhwaafalo ba seka ba akanya gore fa ba boeleladithuto le ba ba botana ba tla tshegiwa a re yo o botlhale ga a a se tshege yo mongwe. O ba kopile go re fa ba dira dikgwebo e bo ele tse di ka rekisiwang le kwa metseng e mengwe. A re mae le nama ya koko di tlhoka go dirwa le mashi ka a ka ntsha kgwebo e e mofuta montsi. Mokhanselara wa Paje/Mabeleapodi mme Atsenye Kabelo o kgotlhaditse banana go supa kgatlhego mo go tse ba di itseng a re go lemosega fa ditlhong e le one mmaba mo bananeng mme ba tshwanetse go tsaya mananeo a ditoro tsa bone a kopa gore ba ipapatse. BOKHUTLO education 4 ‘Puso e itlamile go tlhabolola Batswana’ Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tsireletso a re puso e itlamile go itebaganya le dikgang tsotlhe tsa go tlhabolola maotshelo a Batswana. Mme Tshireletso o buile jaana bosheng mo phuthegong ya kgotla kwa Medie, a tlhalosa fa maiteko a tlaa dirwa go oketsa dipalo tsa badiri ba Ipelegeng ka lephata la temo-thuo le tlhalositse fa ngwaga ono e le wa leuba. O gakolotse gore puso gape e tlaa tokafatsa seemo sa dijo kwa dikoleng tse di potlana, gore ban aba je gabedi ka letsatsi. A re ele maiteko a go tlhabolola dikgwebo tse dipotlana mo metseng ya magae, dikgwebo tse di potlana di tshwanela go fiwa sebaka sa go ntsha dijo ka mananeo a tshwana a go fa batlhoki le bana ba dikhutshana. Mo go tse dingwe o gakolotse batsadi ka molao wa kgodiso ya bana wa 2009, a tlhalosa fa bana ba tlhoka tlhokomelo ya batsadi boo babedi. O kgothaditse batsadi, bogolo thata bommangwana gore ba seka ba kgoreletsa borre go tsaya boikarabelo mo kgodisong ya bana ba bone. Go ne ga tlhaloswa fa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) e tshwenngwa ke sekoloto sa madi a a fetang P8 000 sa badirela puso ba ba ikgatholosang tumalano ya go duela boroko jwa matlo a VDC. Morafe o ne wa lebogela puso maiteko le mananeo a tshwana le Ipelegeng, nyeletso lehuma le a mangwe, ba re a thusa go tlhabolola matshelo a banni ba magae, le ntswa a le bonya go diragadiwa. Le fa go ntse jalo, Mme Tshireletso o gakolotse komiti gore e na le tshwanelo ya go ka sekisiwa le go sekisa, mme ka jalo ba ka tsaya dikgato tsa semololao go seka dikoloto tsa matlo a VDC. BOKHUTLO politics 7 Banana ba BDP ba tlhopha komiti ya kgaolo E ne yare kgwedi eno e le lesome le botlhano, banana ba phathi e e busang ya Botswana Democratic Party (BDP) ba kgaolo ya botlhophi ya Tati Bophirima ba bo ba kokoane kwa Masunga go tlhopha komiti ya banana mo kgaolong eo. Mo ditlhophong tseo, Rre Jenamiso Jerry o ne a tlhophiwa modulasetilo wa komiti, a fenya Rre Bose Sethupa ka batlhophi ba le masome a mane le borataro kgatlhanong le ba le masome a mararo. Maemo a mothusa modulasetilo a ne a gapiwa ke Mme Veronica Boitshwarelo, a sena go tlhophiwa ke batlhophi ba le masome a mabedi le bosupa, a fenya ba a neng a gaisana le bone ebong Bomme Keitumetse Nkoshwane le Ketugetswe Robby, ba bone ba boneng batlhophi ba le masome a mabedi le boraro le masome a mabedi le motso ka go latelelana. Rre Edwin Kgosiemang o ne a tlhophiwa go nna mokwaledi wa komiti fa Rre Ofentse Kavisa ene a tlhophilwe go nna mothusa mokwaledi. Maemo a motshwara madi wa komiti le mothusi wa gagwe, a ne a tsewa ke Rre Bose Sethupa le Mme Keitumetse Nkoshwane ka go latelelana ga bone, ba sena baganetsi. Go ne ga tlhophiwa le maloko tlaleletso a komiti a le lesome le bobedi. Fa a ema komiti pele ka lefoko,monana wa phathi mo kgaolong Rre Simon Moabi, yo gape e leng leloko la komiti kgolo ya khuduthamaga ya banana , e bile e le ene yo o neng a tsaimaisa ditlhopho , o ne a gwetlha komiti go tsaya boikarabelo jwa go bereka ba lomile molomo wa tlase, a re gape ba tshwanetse ba dira jalo go baakanyetsa ditlhopho tsa monongwaga. Rre Moabi o kopile banana ba Domkraga go dirisa komiti eo, ka go dira le yone, ba e bontsha diphoso le go e gakolola fa go tlhokafalang teng, a tlhalosa fa komiti e ka tiya ka bone. E ne e rile go le pele, Rre Moabi a gakolola kokoano eo go tlhopa maloko a komiti a a nang le boleng, e bile a ikemiseditse go direla phathi ka botswapelo go e isa kwa mankalankaleng. O ne a ba itsese gape fa komiti e tla bo e lebanwe ke mokgweleo wa go baakanyetsa bokopano jwa monongwaga jwa banana ba Domkraga lefatshe leno ka bophara, jo bo tla tshwarelwang mo Masunga go simolola kgwedi ya Motsheganong e le masome a mabedi le boferabongwe. Rre Moabi a re puso ya BDP e itlamile go tlhabolola batho ba lefatshe leno, a re seo se supiwa ke mananeo a dithuso ka go farologana ga one, a a diretsweng gore Batswana ba a dirise go tokafatsa matshelo a bone, ka jalo a gwetlha bakaulengwe ba gagwe go dirisa mananeo ao go tlhabolola matshelo a bone le go tlhamela Batswana ba bangwe mebereko. E rile a ntsha la gagwe morago ga tlhopho, Rre Jerry a solofetsa MaDomkraga a kgaolo ya Tati Bophirima gore o tla dira gotlhe mo a ka go kgonang go netefatsa gore ditsholofelo mo go ba ba mo tlhophileng e nna tsone. A re maikaelelo a gagwe a magolo ke go bona phathi ya BDP e gapile dikgaolwana tsotlhe tsa Tati Bophirima, go balelwa tsa Zwenshambe le Kalakamati, tse mo nakong eno di leng mo diatleng tsa kganetso. Bokhutlo politics 7 Banana ba Kasi ba supa lorato Banana ba mokgatlho wa Bana ba Kasi ba kgotla ya Magapatona kwa Tutume, ba abetse Mme Wabo Chitema dijo le melora e e tlhapang le e e tlhatswang tse tsotlhe di lopileng madi a a kana ka P900 le diaparo tsa bana. E rile fa a aba dimpho,modulasetilo wa mokgatlho oo,Rre Tumelo Ntakwa a tlhalosa fa mokgatlho oo ba o bopile morago ga go lemoga fa banana ba tsaya nako e ntsi ba inaakatse le nnotagi le go dira ditiro tsa botlhoka tsebe. Rre Ntakhwa a re maikaelelo a bone e ne e le go aga banana go ba ntsha mo ditirong tseo tsa botlhoka tsebe go ba tlogedisa go nwa bojalwa le go tla ka megopolo e e tlaa lekang go nyeletsa boitsholo joo mme ba dire sengwe mo motseng se se tlaa tswelang setshaba mosola. O ile a tlhalosa fa gape moono wa mokgatlho oo e le go thusana le puso fa ba ka kgonang teng jaaka go phepafatsa tikologo le go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. A re mokgatlho wa bone ga o na dipoelo ka jalo ba nna ba kopa dithuso le dikgakololo mo bathong go leka go fitlhelela maikaelelo le moono wa bone wa go thusa setshaba. O kopile batsadi go rotloetsa bana ba bone go tsena mo mokgatlhong oo,a bolela fa mokgatlho oo o simolotse ngogola ka kgwedi ya Phalane e bile ke mokgatlho o o kwadisitsweng ka fa molaong. O tsweletse a supa fa e le lantlha ba simolola go aba,mme ba tlaa nna ba tswelela ba aba le go oka banana go tswa mo dinotaging le go tsamaya mo dikoleng ba a fa bogakolodi. Mokhanselara wa Tutume borwa,Rre Morris Keaketswe o ne a leboga tiro e ntle e e dirilweng ke banana bao,a re puso e na le mananeo a le mantsi a a itebagantseng le banana jaaka la YDF go tlhabolola matshelo a bone. Kgosi Mpilo Magapatona le ene o ne a lebogela banana bao tiro e ntle e ba e dirileng. Kgosi Magapatona a re batho ga ba tshele sentle ka borukutlhi jo bo diragalang mo motseng bogolo jang bo dirwa ke banana. O ba akgotse,a re se ba se dirang se tlaa fetola banana ba le bantsi fa ba ka tswelela jalo ka mowa o le mongwe. Fa a amogela dimpho tseo,Mme Chitema o ne a bolela fa banana bao ba arabile selelo sa gagwe,a tlhalosa fa botshelo bo le thata mo go ene mo a setseng a itshopere fela a sena se a nang naso ka a ne a kgona go rekisa dilwana tsa gagwe gore a kgone go rekela bana se se isiwang kwa maleng. O lebogetse lerato le batho ba kgotla ya Magapatona ba le supileng mo go ene le banana ba mokgatlho wa Bana ba Kasi . society 9 Jubilee o itshetsa ka go suga matlalo Mme Ogopotse Jubilee yo o dingwaga tse di masome matlhano le bobedi ke mongwe wa ba ba sa iponeng tsapa go ka tsholetsa serodumo sa mowa wa boipelego se e leng nngwe tsela ya go itlhotlhora manokonoko a lehuma. O itshetsa ka go suga matlalo a dipudi mme morago a roke diphate ka one. E re ntswa tiro e ya tshugo ya matlalo e tlwaelesegile e dirwa ke borre gape e le bokete, ene o e dira go se letsapa le le mo fisang pelo. Bontsi jwa batho ba ne ba etela motlaagana wa gagwe gangwe le gape kwa ditshupong tsa bomme tsa lephata la bong mo Francistown ka mafelo a beke, mme ba ne ba sa kgale go mo akgolela bontle jo a bo dirang. Bangwe ba ne ba tshwarwa ke kgakge, bangwe ba le pelo di thata go ka dumela gore dithoto tsa boleng jo bo kgatlhisang ke matsogo a motho wa mme e bile a setse a le mo dingwageng tse di kwa godimo. Mme Jubilee a re bokgabane le botswerere jo a bo dirang ka nako tsotlhe a le mo tirong ya gagwe ke tsone di mo thusang go gapa maikutlo a bareki, se gape se mo thuse go dira dipoelo tse di kgatlhisang. O bile a re botsipa jwa go betla o bo tsaya mo go Rraagwe mogolo, mme gape dithuto tse a di amogetseng kwa Impala gaufi le Francistown tebang le tshugo ya matlalo ke tsone di mo thusang go beta pelo a tswelela a dira le dikgwetlho di tlhagoga. A re e re ntswa a santse a letile dithuso tsa nyeletso lehuma, morago ga dithuto tsa gagwe ga aka a iphutlha matsogo fela, o tsweletse a dira maano a gore a simolole kgwebo e ka ditshenyegelo tsa gagwe. O boletse gore mo nakong eno o suga matlalo ka go a baya lobaka mo metsing mme morago a a suge fela a dirisa diatla tsa gagwe. Mme Jubilee o tiile mooko e bile o tlhaloganya sentle gore dithuso tse a di letileng di tla fitlhela a tlhagotse, mme seo se mo fe sebaka sa go ka godisa kgwebo ya gagwe. A re se sengwe gape se se mo nametsang ke gore o santse a remeletse fela mo matlalong a dipodi, mme tiro ga e nne kalo ka jaana bophara jwa letlalo la podi bo se kalo fa go tshwantshanngwa le la kgomo. Mme Jubilee a re e re ntswa a direla mo lapeng, ga a galale sepe, tota se se mo thusa go menaganye go boloka ditshenyegelo tsa go duela phiriso le tse dingwe. O bile a re se se kgatlhisang ke gore bontsi jwa bareki ba gagwe ba latela dithoto tsa bone kwa ga gagwe, se se mo thuse gape go fema ditshenyegelo tsa go rwala dithoto. Mme Jubilee a re e re ntswa ditiro tsa diatla ka go farologana di na le bokgoni jwa go tlodisa melatswana, se se utlwisang botlhoko ke gore bangwe ba santse ba di tseela ko tlase. BOPA economy_business_and_finance 3 Gasemodimo ga a ipone tsapa lick to see more pictures Mme Tsholofelo Gasemodimo, yo o dingwaga di masome a mane le botlhano, ke mongwe yo batho ba ba simololang dikgwebo ba ka tsayang malebela mo go ene. Mme Gasemodimo, yo dirileng lekwalo la botlhano kwa sekolong se segolwane sa Mater Spei a ba a dira dithuto tsa dikhomputara kwa mmadikole le tsa go dupa dibuka kwa Ministers Fraternal Commercial School, o na le kgwebo ya go roka, ya go apaya le semausu. A re e ne ya re a sena go tlogela tiro kwa a neng a dira teng a seka a rwala diatla mo tlhogong mme a batla maano a mangwe a itshetso. A re o diretse kwa marekisetsong ka go farologana jaaka Sun International, CB Stores le Jet a dira tiro ya go duedisa, mme a tlogela ka a ne a batla go direla kwa legaeng kwa Dimajwe. E rile ka ngwaga wa 2013, Mme Gasemodimo a bula kgwebo ya dijo le tse dingwe tse di tlhokwang mo malwapeng letsatsi le letsatsi. Ka nako eo, o ne a direla mo dikagong tse e seng tsa gagwe. E ne ya re ka ngwaga wa 2016, a aga semausu mo lwapeng la gagwe. A re e ne yare a ntse a tsweletse a lemoga fa dipoelo tsa semausu di sa lekane, mme yare ka ngwaga wa 2017 a thapiwa go rokela bana ba sekole se sebotlana sa Dimajwe paka ya sekole. E re le ntswa a ne a sena metshine e e rokang, Mme Gasemodimo o ne a ya go adima kwa mongweng mme a kgona go rokela baithuti paka ya sekole tiro e mo nakong eno a santseng a e tshwere. Mo nakong eno o roka sengwe le sengwe se a lopiwang go se roka ebile o kgona go fokotsa diaparo, go baya dibata mo diaparong le gone go roka dithiba molomo le dinko. Keletso ya ga Mme Gasemodimo ke gore a ithekele metshine e e rokang. A re ipapatso mo kgwebong ke selo se se botlhokwa fela thata ka jalo a aga a ipapatsa kwa Palapye le Mahalapye. A re fa go na le meletlo e metona jaaka ya moopelo bogolo jang kwa Serowe le metse e e mabapi ga a ke a ipona tsapa mme o kgona go apaya a ba a rekisa dijo teng. A re e re le ntswa dikgwetlho tsa gagwe di ntse di tsweletse sentle go sena makgwere ape, go tlhagoga ga bolwetse jwa corona go amile ka fa a ntseng a dira letseno ka teng. Le fa go ntse jalo, Mme Gasemodimo o gomodiwa ke tshwetso ya puso ya go tswelela e bulela dikgwebo ka go farologana, selo se a reng se tsisa tsholofelo mo bagwebing gore seemose se tla boela meriting. A re mo nakong eno o kgonne go itirela go le gontsi ka a tsentse motlakase ebile a simolotse kago ya ntlo ya gagwe e e nang le dikamore tsa borobalo di le pedi. O ne a rotloetsa botlhe ba ba nang le keletso ya go simolola dikgwebo go nna pelo telele le gone go sekaseka pele ga ba bula dikgwebo. economy_business_and_finance 3 Kgolo ya sekaka e ka bifisa lehuma Go gola ga dikaka go kailwe go tswenya thata ka jaana go fokotsa lefatshe le le siametseng go ka dirisiwa ke batho go itshetsa. Se se builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima Rre Biggie Butale kwa letsatsing la mafatshefatshe ya go lwantsha bosekaka le le neng le tshwaretswe kwa motseng wa Mapoka ka Laboraro (17/06/2015). Rre Butale, yo o neng a bua mo boemong jwa tona wa lephata la tikologo, diphologolo le Bojanala Rre Tshekedi Khama, o tlhalositse fa selekano sa lesome le botlhano mo lekgolong sa lefatshe la Botswana se amilwe ke bosekaka, mme se se tshwenya thata ka jaana se amile matshelo a batho ba ba tshelelang mo mafelong a a amegileng. A re ka go setse go supagetse fa dikaka di tsweletse ka go gola, maiteko a go lwantsha kgolo ya tsone a tshwanetse le one a nonotshiwa gore a tle a kgone go itepatepanya le seemo se se sa eletsegeng se. O ne a kaa fa bosekaka bo ama matshelo a batho ka a ikaegile ka tikologo; a supa fa go gola ga dikaka go raa gore batho ga ba kgone go tswelela ba akola sebaka sa go dirisa tikologo ya bone go itshetsa ka ditiro di tshwana le go epa ditswa-mmung, go lema le go rua ga mmogo le go inaakanya le ditiro tsa bojanala. Mopalamente Butale o ne a supa fa go le botlhokwa gore go emelwe ka dinao maiteko a go dibela kgotlhego ya tikologo gore e tle e sologele molemo dikokomane tse di tlang. A re ditiro tsa batho tse di nang le seabe mo go swafatseng tikologo di tshwana le go baa leruo le le palo ntsi mo lefelong le le lengwe di tshwanetse tsa emisiwa, se e le tsela nngwe ya go fa tikologo sebaka sa go ka intshafatsa. Fa a bua mo boemong jwa komiti e e okametseng tlhokomelo tikologo kwa motseng wa Mapoka Rre Rapelang Kealotswe o ne a tlhalosa fa mo motseng wa bone ba dirile maiteko a go lwantsha kgotlhego ya lefatshe. A re tiro eo ya bone e e simolotseng ka ngwaga wa 2010 ka thuso ya madi ya lekalana la tshomarelo tikologo la Forest Conservation Botswana e ntse e tsweletse le mo nakong eno; mme ka yone ba setse ba kgonne go agelela sekidi sa lefatshe mo motseng se se neng se tletse dikhuti le melatswana mme se sa tlhole se le mo maemong a sone a tlholego. Rre Kealotswe a re ba lemile ditlhare tsa mefuta e e farologanyeng kwa lefelong leo ba bo ba dira dikganedi ka matlapa go fokotsa lobelo le ka lone metsi a neng a elela mo melatswaneng eo. Tse tsotlhe o tlhalositse fa ba ne ba di dira go dibela mmu o o mo lefelong leo go tswelela o gogoulwa ke metsi fa dipula di na. A re maikaelelo ke gore lefelo leo, le batsena-tiro eo ba neng bay a go le bontshiwa le tsoge le direla motse wa gaabo madi fa le sena go tla mo seemo sa go ka tshegetsa ditiro tse di farologanyeng di tshwana le manyalo le mediro e mengwe. Fa a bua ka se bone ba se dirang kwa motseng wa bone, Rre Never Lenyatso wa motse wa Nlapkhwane o ne a supa fa le bone ba gatetse pele ka maiteko a go baakanya lefatshe le le amilweng ke kgotlhego ya tikologo. A re le bone ba kgonne go agelela sekidi sa lefatshe se ba neng ba lemoga fa se amegile thata, ba bo ba bolotsa letsholo go ruta morafe wa motse oo ka botlhokwa jwa go somarela tikologo. A re tse dingwe tse ba di dirileng kwa lefelong leo e nnile go phunya sediba, go lema ditlhare ga mmogo le go simolola projeke ya thuo ya dinotshi. Rre Lenyatso a re ba kgonne tsotlhe tse ba di dirileng ka dithuso tsa madi go tswa kwa makalaneng a akaretsa la Global Environment Facility le la Forest Conservation Botswana. E ne e rile go le pele a amogela baeng, Kgosi Ngocha Habangana wa motse wa Mapoka a iteela legofi maiteko a a dirilweng a go baakanya lefatshe le le gotlhegileng kwa Mapoka le Nlapkhwane. A re fa maiteko a go nna jaana a ka tswelela, e tlare isago tikologo e bo e le mo maemong a mantle thata. BOKHUTLO politics 7 Komiti ya ditlhabololo e tlhoka boineelo Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgotlana ya Ramokgatla kwa Serowe, Rre Mothoagae Mothoagae a re bodiredi jwa komiti bo tlhoka boineelo. O boletse mo potsolotsong gore komiti ya ditlhabololo tsa motse ke palamente ya motse, ka jalo e tshwanetse go tlotlwa. A re o tshwenngwa ke gore mangwe a maloko a komiti eo ga a supe boineelo mo tirong, ka a sa tle ka nako mo tirong le go tlhoka go tla diphutegong tsa kgotla, a tlatsa ka gore seemo se ga se supe boikarabelo jwa go direla setshaba. A re tlhopho ya komiti e, e mosola fela thata, ka jalo e tshwanetse go dirwa go setswe ditsela dingwe tsa go netefatsa fa bodiredi bo tsepame go etelela komiti pele. Rre Mothoagae a re bokgoni jwa go bala le go kwala le dithuto dingwe tse di tlhokegang, di ka tlhomamisa gore boeteledipele e nna jwa maemo a ntlha le go dira sentle ga komiti. Le fa go ntse, Rre Mothoagae, yo a leng mosha mo maemong a bodulasetilo, a re o ikaelela go netefatsa gore kgotla ya bone e itlhoma kwa pele mo ditlhabololong le go dirisana le morafe sentle. Mo go tse dingwe, o boletse fa lenaneo la Ipelegeng le rotloetsa banana go tlogela dikole, ntswa le tlhametswe bagolo go itshetsa ka lone. Modulasetilo o tsweletse ka go tlhalosa fa banana ba sa dire sentle mo ditirelong tsa lenaneo la Ipelegeng ka ba bereka ka go salwa morago e bile ba le boitseme mo tirong. O kopile banana gore ba lese go inaakanya le Ipelegeng ka ba sa ntse ba na le tshiamelo ya mananeo a mangwe a puso, go balelwa le la go boela kwa sekoleng ka gore dingwaga tsa bone di sa ntse di le kwa tlase. Rre Mothoagae a re ba eletsa gore Ipelegeng e ka tlhamelwa ditiro tse di ka dirang dipoelo jaaka go rekisa ditena. BOKHUTLO politics 7 Phokoje go tshela yo o dithetsenyana Mme Lesedi Maruatona wa kgwebo ya go tlhatswa diaparo kwa Bobonong a re mowa wa boipelego ke tsela nngwe ya go intsha mo lehumeng le go imolola puso morwalo. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Maruatona wa kgwebo e e itsegeng ka leina la Lesedi Laundry, a re o simolotse kgwebo e ka 2014. A re o ne a dirisa madi a a neng a a kokoantse. Mme Maruatona a re pele ga a simolola kgwebo ya go tlhatswa diaparo o ne a lemogile gore kgwebo e, e a tlhaela mo Bobonong ka e bile e le motse o motona o o tlhabologang. O kaile fa go ipelega go mo tswetse mosola ka gore o kgona go tshetsa ba lelwapa la gagwe. A re kgwebo ya gagwe ga e na ditshenyegelo tse dintsi jaaka go duela bonno, metsi le motlakase ka a direla mo lwapeng. Mme Maruatona o tlhalositse fa go ipapatsa mo bathong le mo madirelong ka go farologana go mo thusitse. A re kgwebo ya gagwe e dira sentle fa kgwedi e fedile. A re kgaogo ya motlakase kgapetsakgapetsa mo Bobonong ke nngwe ya dikgoreletsi tse a kopang le tsone. BOPA economy_business_and_finance 3 Maruping go a boelwa - Kgosi Toto Kgosi David Toto II wa Tsabong o rotloetsa bana ba sekole se sebotlana sa Nhake kwa Tsabong go itsetsepela ka ngwao ya bone gore e seka ya nyelediwa ke ditlhabologo tsa segompieno, jaaka go setse go supafala. O buile jaana bosheng ka letsatsi la go tsosolosa ngwao kwa sekoleng seo. Kgosi Toto II o ne a rotloetsa bana ba sekole seo gore ba tsee malebela mo merafeng ya mafatshe a sele e e santseng e ngaparetse e bile ikgantsha ka dingwao tsa yone. O ne a supa fa letsatsi leo le le botlhokwa ka e le go rutana, go abelana le go gakololana, go boloka le go somarela ngwao gore e seka ya nyelela. Sebui sa tlotla se ne sa re ntswa dingwao tsa merafe e e mo Kgalagadi Borwa di farologana se se itumedisang ke ka fa ba tshelang mmogo ka teng e bile ba tlotla le go tlotlomatsa dingwao tsa bone go sena yo o nyenyafatsang tsa ba bangwe. A re selo se, se supega thata ka fa ba kgatlhegelang go ithuta diteme tsa ba bangwe le gone go nyalana e le merafe e e farologanyeng. Kgosi Toto II, yo e bileng e le moemedi wa Kgalagadi Borwa kwa ntlong ya dikgosi o boletse fa merafe e e mo motseng wa gagwe e akaretsa Batlhware, Baherero, Bangologa, Makhalate, Manama, Barolong, Bakgatla le Batlhaping ba ba tswang kgakala ba tshwaraganye le gone go bopagana go rena kagiso. Kgosi o ne a re kagiso le tlotlo e e renang mo motseng wa gagwe e kaya kagiso e lefatshe la Batswana le itsegeng ka yone go tswa bogologolong. O ne a re Batswana ba tswa goo-lowe ka mowa wa kutlwelobotlhoko le lorato ka ba ne ba thusa le go tlhokomelana fa go tlhokafalang teng ka go ne go sena ngwana yo o neng a ka lala ka tlala le fa batsadi ba gagwe ba tlhokile lesego mo botshelong. Mogolwane go tswa lephateng la thuto go tswa kwa moding kwa Kgalagadi, Mme Pancy Mphinyane-Muzondiwa o ne a kgothatsa batsadi go ruta bana ngwao ka e le mosola mo kgodisong ya bone gore mo isagong ba nne batsadi ba ba nang le tlotlo le botho jo bo eletsegang. O ne a re barutabana ba bone fa go le maleba go tshwara letsatsi le ka e le nngwe ya dithuto tse ba di rutwang mo sekoleng. Mme Mphinyane-Muzondiwa o ne a gatelela thata setlhogo sa letsatsi leo sa Maruping go a Boelwa, go sa Boelweng ke Maleng, a supa fa batsadi ba tshwanetse go boela morago ba itshekatsheka gore ba tsenye bana mo tseleng ka go ba ruta le go tsosolosa ngwao e e ka felelang e nyelela. O ne a tlhalosa fa go na le merafe e e farologanyeng mo lefatsheng leno, mme ba ka supa dingwao tse di farologanyeng ka moopelo, puo, kapari, poko le dijo tsa Setswana ba di bona le go utlwa tatso ya tsone gareng ga tse dingwe. Mme Bame Bogatsu o ne a re moono wa letsatsi leo ke go tsosolosa ngwao le go lemoga botlhokwa jwa yone gore bana ba seka ba e latlha. O ne a re ba supegetsa bana gore ntswa merafe e farologanye, ba kgona go tshela mmogo ba bopaganye. E re ka letsatsi leo e ne e le la go ruta bana ngwao, Rre Kabelo Coetzee o ne a tlhalosa ka bophara ka ngwao ya Manama, ba a tlhalositseng fa ba tlholega kwa Namibia mme ba tsile mo Botswana ka nako ya dintwa tsa bone le Majeremane. Rre Coetzee o ne a supa fa morafe wa Manama o bonwa kwa Tsabong le Lokgwabe le mo kgaolong ya Gantsi mme ba tlotla thata ngwao ya bone ka kapari, mmino wa Nama Staap le teme ya bone. Fa a tlhalosa ka kapari ya bone o ne a supa e le mebala e e farologanyeng go ya ka magosi a bone le gore kapari ya bone e e dibatabata ke sesupo sa diaparo tsa bone tse di neng di gagolwa ke ditlhare ka nako ya ntwa ba tshaba Majeremane. Fa a bua ka ngwao ya Baherero, Rre Thapelo Kapeko o ne a tlhalosa fa le bone ba ne ba tshaba ntwa ya Majeremane mme ba tshabela mo Botswana mo dikgaolong tse di farologanyeng. Rre Kapeko o ne a supa fa morafe wa Baherero o tlotla thata ngwao ka kapari, puo ya Seherero le gore bone ke barui ba dikgomo mme bomme e le bone ba ba gamang dikgomo fa borre e le bone ba disang dikgomo. Dijo tsa bone di akaretsa nama, madila le mageu. arts_culture_entertainment_and_media 0 Thuto kgetsi ya tsie Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Poloka mo kgaolo potlana ya Shoshong, Rre Kgokonyana Kgokonyana a re gore thuto ya ngwana e atlege go tlhoka tirisanyo mmogo fa gare ga barutabana le batsadi. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, Rre Kgokonyana a re le ntswa batsadi bangwe ba sena seabe mo thutong ya bana ba bone, matlhoko a sekole sa gagwe a mmalawanyana mme se se tlhotlheletsa gore maduo a baithuti mme segolo bogolo a lekwalo la bosupa e nne a bokoa. Rre Kgokonyane a re ngogola mo maemong a ABC ba tsere 60 per cent mo lekwalong la bosupa le ntswa ba ne ba ipeetse seelo sa 80 per cent. Rre Kgokonyana a re ba itemogetse gore bana ka bontsi ga ba na tlhokomelo e bile ba nna ba le nosi ka gore gantsi batsadi ba a bo ba le kwa merakeng kgotsa masimo, se se dire gore bangwe bana ba felele ba tswa mo sekoleng kgotsa ba ba se itshokelang ba tle ba le mo seemong se se sa nametseng. O tlhalosa fa bana ba kgona go tla sekoleng ba sa tlhapa kgotsa ba sa bona diamaleng, a tlatsa ka go re bangwe ba tlolwa ke dithatlhobo mme se se felela se digela boleng kwa tlase. Rre Kgokonyane o tlhalositse fa barutabana ba tlhaela mo sekolong,a re barutabana ba a nang le bone ba lesome mme ba bararo e le babereki ba nakwana. Rre Kgokonyana are boroko ja barutabana bo a tlhaela kagore matlo a barutabana a tleng a mane fela,a tlatsa ka gore dibuka le tsone di a tlhaela ka jalo go nna dingalo gore neelano ya thuto e tsamae sentle. A re ba na le kgwedi gase e apeelang bana e ntse e fedile mme se se pateletsa baithuti go tla ka dikgong tse di apayang mme bangwe ba sa tle ka dikgong mme kapei e felele e ntse dingalo,a re se sengwe se se digelang thuto ko tlase ke letlhoko la metsi ka a tshabelelwa ke go kgala gangwe le gape. Rre Kgokonyana a re ba tlhamile methale e e ka lekang go suga baithuti gore maduo a tokafale. A re ba tlhamile ditlhotshwana tsa baithuti ba lekwalo la bosupa ba di dira ba lebile gore ngwana o palelwa ke thuto e fe thata mme barutabana ka bongwe ka bongwe ba a ba amogana. BOPA education 4 Taupye o sireletsa loapi ka temo ya ditlhare Banni ba Taupye mo kgaolong-potlana ya Mahalapye ba kopilwe go tlotla le go sireletsa loapi go thibela kgotlelesego ya lone. Komiti ya botsogo le ya ditlhabololo tsa motse tsa re di bone go le botlhokwa go ruta banni ka tlhokomelo ya loapi. Mmueledi wa dikomiti, Mme Norah Dipao a re sengwe le sengwe se se tshelang, se tshela ka go bo loapi lo sa kgotlelesega mme fela fa lo kgotlelesega diphologolo di tsile go nyelela. O tlhagisitse banni gore go tshuba matlakala jaaka dithini, dipolaseteke le ditlhare go borai mo matshelong a batho le ditshedi tse dingwe ka gore di baka mesi e e senyang losire lo lo sireleditseng bogale jwa marang a letsatsi. O gakolotse setshaba go emisa go tshuba le go gasagasa matlakala, go dirisa sekgwa jaaka matlwana a boitiketso, go emisa go kgotlela tikologo ka se se ama metsi, batho, diphologolo le diruiwa a re o kgala go itlhokomolosa tikologo le tlolo melao e e amang tikologo. A re puso e dirisa madi a mantsi go phepafatsa tikologo, a supa fa madi a, a ne a ka dirisiwa mo ditirong tse dingwe tsa setshaba. “Batho ba ka itshetsa ka dipampiri go dira dithoto,” a tlhalosa. O ne a kgothatsa morafe gore mongwe le mongwe a itlwaetse go latlhela matlakala kwa lehuting la matlakala e seng fa ene a ratang teng gore Batswana ba lebege e le batho ba ba nang le boikarabelo mo tikologong ya bone. O ne a kopa gape gore ditlhare di se ka tsa tshujwa ka gore di thusa go ntsha mowa o o hemiwang ke batho. A re o rotloetsa banni go baakanya dikoloi tsa bone ka dingwe di ntsha mesi e e kotsi mo loaping le batho, a tlatsa ka gore puso e tshwanetse ya bona gore fa koloi e sa itekanela e seka ya fiwa teseletso ya go tsamaya mo tseleng. Mme Dipao a re banni ba tsenelela diphuthego tsa lephata la tshireletso ya dikgwa ka ba ka nna le sebaka sa go itse ka ditlhare tse tiriso ya tsone e leng borai kana e e siametseng batho le loapi. Mme Dipao a re e re ka mo malatsing a gompieno go dirisiwa maranyane a sesha, go lepa loapi, ba tshwanetse go kopana le bomaitseanape ba setso go rutana ka tse di amang loapi. A re bogologolo batho ba ne ba lepa loapi ba dirisa kitso e ba e filweng ke Modimo mme a re se se ka sologela setshaba molemo fa se, se ka ka dirisiwa le maranyane a segompieno. O ne a kopa banana gore ba tlhotlhomise tepo loapi ya segologolo mo bagolong, a re go dira jalo go ka ba thusa gore ba kwale dibuka mo isagong ka se ba se amuleng. “Tepo loapi ya setso gatwe go ne go dirisiwa dikai tsa mosi, dinaledi, phefo, maru le digagabi, bogolo thata di supa pula,”a tlhalosa. Mme Dipao a re baitseanape ba loapi ba maloba ba dirisa phefo e e tswang borwa go supa tshenyo ya dijwalo gammogo le dithoto, le ba tepo loapi ya sesha ba a e dirisa, gammogo le maru le letsatsi. BOKHUTLO environment 5 Go tlhokafetse ba le bararo Mogolwane wa mapodisi a Kalkfontein mo kgaolong-potlana ya Charleshill, Sub Inspector Pogiso Toteng a re dikotsi tsa tsela tse pedi di gapile matshelo a batho ba le bararo bosheng. Sub Inspector Toteng a re nngwe ya dikotsi tseo e diragetse ka Matlhatso maitseboa mo tseleng ya Kalkfontein/Ghanzi fa mokgweetsi wa koloi ya modiro wa Ipsum a latlhegelwa ke taolo e bo e pitikologa, mme mosadi wa dingwaga tse di masome mararo le borataro a latlhegelwa ke botshelo. A re koloi eo e ne e pegile batho ba le batlhano, mme bapagami ba le bararo ba ne ba alafelwa dikgobalo tse dipotlana fa mosadi yo mongwe a ne a robega serope mme a isiwa kwa kokelong ya Marina kwa Gaborone. A re moswi o tlholega kwa Dikar mo kgaolong ya Ghanzi Bokone. Sub Inspector Toteng o tlhalositse fa kotsi e nngwe e diragetse ka Labone wa beke e e fetileng bosigo ka nako ya borobabongwe mo tseleng ya Ncojane/Kalkfontein fa koloi ya modiro wa Surf e ne ya pitikologa morago ga gore mokgweetsi a latlhegelwe ke taolo. A re go ne ga tlhokafala rre wa dingwaga tse di masome matlhano le boraro le wa mokgweetsi wa dingwaga tse di masome mararo. Moswi yo mongwe o tlholega kwa Charleshill fa yo mongwe ene e le morutabana kwa sekoleng se sebotlana sa Ncojane ene a tlholega kwa Mochudi. Sub Inspector a re koloi eo e ne e pegile batho ba le batlhano mme ba le babedi ba ne ba bona dikgobalo tse dipotlana fa a le mongwe a ne a isiwa kwa kokelong ya Marina kwa Gaborone ka dikgobalo tse di masisi. Rre Toteng o ne a kopa bakgweetsi go obamela matshwao a tsela ka dinako tsotlhe a re lobelo le le feteletseng bosigo le na le seabe se setona mo dikotsing tsa tsela. Mo godimo ga moo, a re dintsho tseo gape di bakilwe ke gore batho bao ba ne ba sa dirise mabante ka gore botlhe ka boraro dikoloi di ne di ba kgwile. Sub Inspector Toteng a re mo tiragalong e nngwe bosigo jwa Laboraro monna wa dingwaga tse di masome mabedi le borataro o ne a latela ntsalae wa dingwaga tse di masome mane le bosupa kwa lwapeng la gagwe a feta a mo keteka a ba a tsaya P1 000 le dilotlele tsa koloi ya gagwe. Rre Toteng a re rre yoo, yo e bileng e le monalebogole, o ne a begela mapodisi mme mmelaelwa a tshwarwa mo Ghanzi. A re ditlhotlhomiso di weditswe mme go emetswe tsheko. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Ba lwantsha lehuma ka dikeleketsi Barui kwa kgaolong ya Kgalagadi Bokone ba tsweletse ka go lwantsha leuba la monongwaga ka ditsela tse di farologaneng. E re ka go twe “maano a botshelo ga a site go sita a loso”, bangwe ba dirisa ditsatlholego fa bangwe ba dirisa se ba se setseng mo masimo go kgaratlhela leruo la bone. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Keireng Molale yo e leng morui wa dihutshane kwa Kang a re morago ga go bona fa leuba le shenne meno, o ne a simolola go bapalela dihutshane tsa gagwe dikeleketsi. Dikeleketsi ke maungo a setlhare sa mokala se se anameng mo kgaolong ya Kgalagadi Bokone. Mme Molale yo o dingwaga di masome a mararo le bongwe a re dikeleketsi jaaka ditsatlholego tse dingwe, di na le nako e di bapalwang ka yone. A re paka ya mariga ke yone e dikeleketsi di a bong di bodule go ka bapalwa. O tlhalositse fa barui ka ene kwa kgaolong ya gagwe ba tswa kgakala ba bapalela dihutshane dikeleketsi ka nako ya leuba. A re ene o thuga dikeleketsi mme a di kopanye le letswai le le makgabana la leruo. O kaile fa dikeleketsi e le mmamoratwa wa dihutshane. Mme Molale yo o thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go rua dihutshane a re gape o lwantsha leuba ka go kgaogana se a se setseng mo masimo le dihutshane tsa gagwe. A re fela jaaka dikeleketsi, o kgaba lerotse a dira lengangale mme a le kopanye le letswai. O supile fa lengangale le lone e le sejo se se ratiwang ke dihutshane. Rre Nonofo Bareeleng yo le ene e leng morui wa dihutshane kwa Kang a re setlhare sa salt bush se se tlholegang kwa lefatsheng la Australia se mo thusitse ka nako ya komelelo. A re o ithutile ka setlhare seo mo baruing ba bangwe. O supile fa a lemile setlhare sa salt bush mo lwapeng la gagwe go se jesa dihutshane tsa gagwe. environment 5 Mokgatlho o ipapanne Moeteledipele wa lekgotla le le itebagantseng le go tsholetsa lentswe la bomme wa Voice of Women kwa Mahalapye, Mme Connie Nshimwe a re ba ipapanne go tlhabantsha kgokgontsho ya bong segolo thata ba itebagantse le bomme le bana ba basetsana ba e leng bone ba amiwang thata ke kgokgontsho mo malwapeng. Fa a bua mo potsolotsong, Mme Nshimwe o tlhalositse fa mo malatsing a a lesome le borataro a go tlhabantsha kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana ba itlamile gore ba eme ka dinao go buisa diphuthego mo motseng wa Mahalapye le e e mabapi, ba itebagantse le setlhogo se se reng ‘Kagiso go tswa mo lwapeng, e tsala kagiso mo lefatsheng, a re emiseng kgokgontsho kgatlhanong le bomme le bana ba basetsana.’ O tsweletse ka go tlhalosa fa ba tla a bo ba itebagantse le go sokolola maikutlo le ditlhaloganyo tsa borre, ka maitemogelo a gore ntle le bone ba ka se fitlhelele maikaelelo a bone a go fedisa dikgang tsa kgokgontsho ya mothale o. Mme Nshimwe a re ba tsweletse ka go sukunyolola dilo dingwe tsa ngwao tse e leng tsone di dirang gore kgokgontsho e jwelele, e bile di isa lentswe la ga mme kwa tlase mo setshabeng ka jalo di tsisa kgatelelo. A re ba tsweletse ka go rera kagiso mo malwapeng ka ba lemogile fa dikgang tsa kgokgontsho di le dintsi, e bile di ama thata bomme le basetsana. O ikuetse mo go bomme le basetsana go bega dikgang tsa kgokgontsho kwa go ba sepodise le bommaboipelego, a bo a ba gwetlha gore ba se nne go fitlhelela dikgang di kekele e bo e le gone ba tsayang kgato. Mme Nshimwe a re ba tla a tswelela ka go ruta setshaba ka melao e e leng teng gore ba e tlhaloganye, a nankola ka wa kgokgontsho ya mo malwapeng wa 2008, o o akaretsang tshireletso ya dikgang tsotlhe tsa borukutlhi ja kgokgontsho ya bong. A re lekgotla la gagwe le kgala le sa kgwe mathe kgokgontsho ya bong e bile ba na le keletso ya gore ka 2016 motho mongwe le mongwe a bo a itekanetse e bile a na le kitso ya gore kgokgontsho ya bong e raya eng. O kaile gape fa seemo sa kgokgontsho ya bomme mo manyalong e le se se ngomolang pelo, a re mo malatsing ano fa ngwana wa mosetsana a tsena mo nyalong e e senang kgokgontsho e ya bo e le lesego, a tlatsa ka go tlhalosa fa bomme ba tshwere phage ka mangana mo manyalong sebe sa phiri e bo e nna gore ga ba kgone go ntsha lentswe jalo ba felela ba swela mo teng. Ka jalo o kopile batsadi go aga botsalano le bana ba basetsana gammogo le go ba naya lerato ka nako tsotlhe gore ba seka ba jewa ke batho ka maleme mo ditseleng ba re ba a ba rata ntswa ba batla go ba dirisa le go ba kgokgontsha. A re fa bana ba ka lemoga lerato go tswa mo batsading ba tsile go itse gore fa motho a rata yo mongwe o tshwanetse go mo tsaya ka tsela e e ntseng jang ka jalo ba kgone go falola dilalome tse di tlang di phuthetse kgokgontsho ka lorato. health 6 Goya o lekola ditlhabololo tsa kgaolo ya Palapye Bogogi jwa kgaolo potlana ya Palapye e rile bosheng jwa kopana le Mopalamente Moisaraele Goya go mo lekodisa ka ditiro tsa ditlhabololo tsa kgaolo, bogolo jang tsa lenaneo la madi a ditlhabololo a kgaolo. Morago ga gore puso e simolodise madi a ditlhabololo tsa dikgaolo ngogola, dikgaolo di ne tsa simolola go tsabakela. Le fa go ntse jalo molaodi wa kgaolo-potlana, Rre Odiseng Moruti, mothusa mokwaledi wa khansele, Rre Lucky Maoto le ba ditogamaano ba supile fa go nnile le tiego ya go aba ditiro, ka madi a ne a tla morago ga nako e e neng e solofetswe, le gore morero ka tiriso ya one le morafe o nnile moleele. Rre Maoto o ne a re e re ntswa e le tsamaiso gore madi ao a tsamaisiwe fela jaaka madi mangwe le mangwe a puso, ba ne ba tshwanelwa ke go anamisa ditiro tse di yang go dirwa go fa ba dikonteraka sebaka sa go ikopela le go phadisanela tiro eo. Mo Palapye go ne ga abelwa kgaolwana ngwe le ngwe ya mokhanselera madi ka go lekalekana le go letla banni ba kgaolwana go dira tse ba bonang ba di tlhoka. Gone ga simololwa ka go agwa ga ditsela tsa setena tse di fa gare ga motse tse ka dinako tsa dipula di sa tsamaegeng. Fela jaaka gone ga dumelwana, ditiro di ne tsa neelwe ba dikonteraka tsa mo gae, mme mo nakong eno, go setse go dirisitswe P4 510 007. Mothusa Mokwaledi wa khansele-potlana le ba ditogamaano ba ne ba tlhalosa gore mangwe madi a a lebegang a sa dirisiwe ke a a seegetsweng kwa thoko mo sebakeng sa dikgwedi go lebeletswe gore a tiro e e dirilweng ga e supe dipe dikai tsa go sa direga sentle, e re fa dile teng mong wa kontereka a kopiwe go baakanya, mme fa di se yo nako e wetse, a fiwe madi a a setseng ao. Bontsi jwa ditsela go lebega di wetse go dirwa mo dikgaolwaneng tsa bokhanselara. Mopalamente Goya o ne a tsamaisiwa le ditsela tsotlhe go di sekaseka, mme a supa fa dingwe di setse di supa di sa direga, a tlhalosa fa a bona go le mosola gore gongwe go itebaganngwe le ditsela pele di wediwe, tse dingwe jaaka maobo a dikgotla di tlaa bonwa morago ka madi a a ya go tla ngwaga le ngwaga. O ne gape a re khansele e tsibogele go dira ditiro tseo ka nako gore madi a seka a fitlhelana. Rre Goya o ne a supa fa a na le keletso ya gore go nne le lefelo la morafe la itshidilo mmele le la disupiwa tsa banana. O ne a fa mokwaledi le molaodi kgang eo go e kopanela le ba kabo ditsha go sekaseka mafelo a a bulegileng mme a se mo tirisong. Go ne ga senoga fa bangwe ba beng ba dikonteraka go lebega ba adimile tshwene marapo le fa banana e le bone ba lelang thata ka gore dikonteraka tsa bone tse dinnye ga di fiwe ditiro. Madi a monongwaga go tlhalositswe fa go ya go tla sephatlo pele, mme e re ditiro tse di se kopetsweng di wela ke gone go kopiwe a a setseng. BOKHUTLO politics 7 Kanamo ya HIV e a tshwenya Mogokaganyi wa ditirelo tsa HIV/AIDS kwa Selebi Phikwe, Rre Shatiso Daki, a re puso e tshwenngwa thata ke dipalo tsa batho ba ba tsenwang ke mogare wa HIV. Fa a bua kwa tirong ya go simolodisa kgwedi ya thapelo kgatlhanong le HIV/AIDS, Rre Daki, o ne a supa fa se se busetsa kwa morago maiteko a puso a go tlhabolola matshelo a Batswana. Rre Daki o ne a supa fa banana ba ba santseng ba le kwa tlase ka dingwaga e le bone ba ba amegileng thata, a tlhalosa fa se se netefatswa ke dipalo tse di kwa godimo tsa go ima ga bone. O ne a tswelela ka go supa fa lephata la botsogo le lemogile fa mo nakong ya gompieno borre ba le bantsi batshwarwa ka malwetse a dikobo fa go tshwantshanngwa le dingwaga tse di fetileng. Rre Daki o supile fa ba botsogo ba santse ba le mo ditlhotlhomisong go bona gore seo se bakwa ke eng. O ne a kgothatsa Batswana go sekaseka ka fa ba tshelang ka teng go re ba tile ditsela tse di ka ba tsenyang mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare. Rre Daki a re Botswana o fitlheletse maitlamo a lone a go thibela mogare go tswa kwa go mmangwana go ya kwa leseeng, a re le fa go ntse jalo go santse go na le bomme ba ba tlogelang diritibatsi, mme ba bo ba tswelela ka go amusa bana. Rre Daki o ne a supa fa ba setse ba gatisitse dikgang di le nne tsa bana ba ba tsenweng ke mogare ka mabaka a go nna jalo mme a kgothatsa bomme go tsaya boikarabelo jwa bana ba bone. Mme Kgalalelo Molenga go tswa kwa lekgotleng la BOCAIP o ne a supa fa puso e lemoga seabe sa dikereke mo go lwantsheng HIV/AIDS, a re ke tsone tse di akareditsweng mo go tseyeng karolo ya go bo lwantsha. Mme Molenga a re puso e leka ka bojotlhe go lwantsha mogare, a re se se netefatswa ke tshimolodiso ya go tsenya botlhe ba ba tshwerweng ka mogare mo kalafing, go na le go letela gore masole a mmele a wele kwa tlase. Fa a tswa la gagwe, kgosi wa kgotla ya Kagiso kwa Selebi Phikwe, Kgosi Josephine Legwaila, o supile fa go tshwenya go bona dikereke dingwe le morafe ka karetso ba tsweletse ka go ikgogela morago mo ditirong tsa setshaba. BOKHUTLO education 4 Tlhoafalelang ditiro tsa motse Kgosi wa Zoroga mo kgaolong-potlana ya Tutume, Rre Thomas Modiro o gakolotse banni go nna le mowa wa boithaopo mo ditirong tsa motse gore o kgone go tlhabologa. O buile jaana kwa kgotleng, mo merapelong ya moso le moso e e sa bolong go simolola kgwedi eno e tlhola malatsi a le mararo. A re merapelo e, e diretswe go kopela ba ba nang le makoa mo Modimong gore ba sidilege gammogo le go ipaakanyetsa letsatsi la boipuso gore le atlege. Kgosi Modiro o tlhalosa fa batho ba itlhokomolosa ditiro tsa boithaopo e bile banni bangwe ba le maoto a tshupa go tla merapelong. A re ditiro tse di direlwa Batswana go ka tlhabolola lefatshe la bone mme fa ba ikgoga metse ga e kake ya tlhabologa. O supile fa banni ba sa ikwadisetse ditlhopho ka bontsi ntswa e le tshwanelo ya bone go ka ikwadisa gore ba kgone go tlhopha mme morago motse wa bone o tlhabologe. Kgosi Modiro a re batho ba tla kgotleng fela fa ba batla dithuso tsa puso. A re banni bangwe ba tsere mananeo a puso mme ga ba tsenelele diphutlego go tla go tsaya melaetsa ee ka ba thusang go tswelela pele ka go ka nwa mananeo ao moro. “Batho ba tsaya mananeo e bo ba ela ruri mme ba tle kgotleng fela fa ba setse ba na le mathata a e leng gore gongwe a kabo ba sa bolo go a fenya go santse go nale nako,” a rialo. O tsweletse ka go tlhalosa fa batho ba tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa motse wa bone bogolo segolo jang fa go tlhophiwa dikomiti tsa motse. A re batho fa ba tlhopha dikomiti ba tshwanetse go lebelela bokgoni e seng go ba tlhophela gore ba je le bone. “Batho ba tlhopha ba bangwe gore ba ba fe dithendara tsa borotho kgotsa gore ba ba thape mo Ipelegeng,” a tlhalosa. A re go botlhokwa gore dikomiti di direle setshaba e seng dikeletso tsa bone. A re tshwanelo ke gore komiti e tsweledise ditlhabololo tsa motse e seng tsa ditsala kana masika. O rotloeditse banni go mo tshologa mokgosi nako yotlhe fa go na le phuthego ya kgotla go itsa gore batho ba felele ba tseelwa ditshwetso tse di ba bayang mo mosing ka ntlha ya gore ba a bo ba seo. A re motse o tlhabololwa ke setshaba. BOKHUTLO politics 7 Batsadi ba lela ka botsamaisi Batsadi ba sekole se segolwane sa Tsabong Unified mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba ngongorega ka go tlhoka go okelediwa lebaka la pereko la mogokgo wa sekole seo morago ga gore a ba laele mo phuthegong ya batsadi le barutabana (PTA). Mogokgo Kooagile Gabonthone o tlaa bo a tlogela tiro fa tumalano ya gagwe le mhiri e tla bokhutlong ngwaga o o tlang. E rile a bua ko phuthegong ya batsadi le barutabana e a neng a e biditse go tla go lekodisa batsadi ka fa ba tsweletseng ka teng mo sekoleng seo mabapi le tsa thuto, Rre Gabonthone o ne a bolelela fa tumalano ya gagwe le mhiri ya go berekela mo sekoleng seo ya ngwaga tse tharo e tlaa bo e ya bokhutlong ngwaga o o tlang Herikgong a le masome a mabedi le bobedi. A re pele ga tumelano e fela o ne a kwala a kopa go okelediwa lobaka lwa pereko ka a ne a sa ntse a batla go tswelela a bereka mme o ne a itaya se fololetse ka baeteledipele jwa thuto ba ne ba sa amogele kopo ya gagwe. E re dikgang di eme jalo, Rre Gabonthone o kaile fa ba solofetse maduo a a itumedisang a mophato wa boraro le wa botlhano morago ga ditlhatlhobo tsa makgaolakgang tsa monongwaga. O ne a lekodisa batsadi gape fa sekole seo jaanong ba se neetswe semmuso ngwaga ono morago ga go godisiwa go amogela mophato wa ntlha go ema ka wa botlhano go simolola ngogola. Rre Gabonthone a re baithuti ba sekole seo ba tsabaketse mo dithutong tsa dipalo le maranyane mo dikgaisanyong tsa dikgaolo le gone go tsholeletsa kwa godimo serodumo sa sekole seo mo go tsa poko le metshameko. O boletse fa palo ya barutabana ba ba berekelang mo sekoleng seo e nametsa ga mmogo le didirisiwa le ntswa go na le barutabana ba ba tlhaelang ba dithuto tsa dikhomputara le tsa kapei. Le fa go tse jalo o ne a supa fa go solofetsa fa maduo a tlaa tswelela a tokafala. Fa a bua ka boitsholo le botlhoka tsebe jwa baithuti o kaile fa bo tokafetse fa go tshwantshanngwa le mo dinakong tse di fetileng. A re e le barutabana ba ne ba iipha sebaka sa go bua, go kgalemela le go aga baithuti le ntswa go na le matlhesedi fale le fale a go senyetsa ba bangwe. E rile ba akgela mo mafokong a mogokgo batsadi ba ne gogomoga maikutlo mme ba bua ka lentswe le le lengwe fa ba sa amogele gotlhelele go bo Rre Gabonthone a sa atolosediwa tumelano ka ba ne ba solofetse go le gontsi mo go ene. Ba re o dirile pharologanyo mo tokafatsong ya maduo le mo kagong ya bana. Mongwe wa batsadi, Rre Eheletse Gabankalafe, o ne a bua a sa kgwe mathe fa ba sa ntse ba batla Rre Gabonthone a berekela mo sekoleng seo ka ba kgotsofala ka a itomile molomo wa tlase a bereka ka natla ga mmogo le barutabana ba gagwe ka ba itlamile go dira ka gotlhe mo ba ka kgonang go tsholeletsa kwa godimo leina la sekole ka maduo a a kgatlhisang. Rre Gabankalafe o tlhalositse fa ditiro tsa ga Rre Gabonthone di bonwa ka matlho ke mongwe le mongwe ka a eteletse pele sekole seo ka botswapelo le lorato e bile ba lemogile fa a na le tebelopele e bile maikaelelo a gagwe e le go betlela baithuti bokamoso jo bo siamemg. Modulasetilo wa PTA, Mme Reginah Mosweu, o ne a lela sa ga Ragele a supa fa le bone e le komiti ba utlwisitswe botlhoko ke gore mogokgo o kgaogana le bone a bolela fa e le motho yo o botlhokwa yo matlho otlhe a neng a lebile kwa go ene. Mme Mosweu o ne a kopa batsadi go tshwaragana ka go bua ka lentswe le le lengwe go ikuela mo boteledipeleng jwa kgaolo eo mme fa ba sa kgotsofale ba tlaa tswelela ba ikuela go fitlhelela ba bona phetolo e e utlwalang ya go okelediwa lebaka la konteraka ya mogokgo ka a le mosola mo sekoleng seo. Mokhanselara yo o itlhopetsweng, Rre Nkatlholang Simane, mo mafokong a gagwe a tebogo o ne a gakolola batsadi le komiti ya PTA go ema ka dinao mabapi le kgang ya mogokgo ka go tswa ka maano a go ikuela go bona tharabololo ya one mo go ba ba lebaneng. Rre Simane o ne a supa fa makhanselara a Kgalagadi le bone ba le kgatlhanong le go tlhoka go okelediwa lobaka lwa pereko lwa mogokgo. ENDS education 4 Lephata le dira ka natla Modiri mo lephateng la tsa botsogo le tikologo, Rre Kaone Thibelang, o boletse fa lephata la gagwe le dira ka bojotlhe go tlhomamisa gore Batswana ba nna mo tikologong ee nametsang, ba ja dijo tse di siametseng botsogo jwa motho e bile ba nwa metsi aa siameng. Rre Thibelang o tlhalositse bosheng kwa kgotleng ya Mmaseetsele kwa Moshupa fa matlakala a tshwanetse go isiwa kwa a tshwanetseng go nna teng. A re matlakala a tshwanetse a latlhelwa mo ditankeng a bo a tsewa ke ba ba tshwanetseng. A re batho ba le mokawana ba tshuba matlakala mme go kgotlhele phefo le loapi fa bangwe ba a phutha sentle mme morago ba a beye fa thoko ga tsela mme diphologolo di a gasegase le tikologo. O boletse fa lephata la gagwe le tshwentswe ke batho bangwe ba a reng ba tshololela diole tsa dikoloi mo mmung mme di felele di kgotlela metsi a a kafa tlase ga lefatshe. A re lephata le tsena gangwe le gape mo mabentleleng go tlhola bagwebi ba ba rekisang dijo le dino go netefatsa fa di siametse botsogo jwa motho. Rre Thibelang a re ba ikemiseditse go lwantsha ditshidinyana tse di ka kgotlelang tikologo tse di tshwanang le mafele, monang, ditsitsiri le dipeba mo malwapeng. Mongwe wa batsena phuthego, Rre Baeti Kesenye, o ngongoregile ka koloi ya matlakala e a reng e kgona go fetisa kgwedi e sa tseye matlakala; selo e a reng se ba baya baagi kafa mosing. E rile fa a araba, Rre Thibelang o ne a supa fa ba dirisa koloi ele nngwe fela ka jalo go nna le bothata fa e senyegile. O tlhalositse fa e tlare ngwaga wa madi wa 2016/2017 o simolola, ba romelele dikompone tse di ikemetseng go tsaya matlaka mo malwapeng le mo dikgwebong. health 6 Metlhale ya khumo e mentsi... Mme Goleele Gabanakgang yo o dingwaga tse di masome a mane, wa kgotlana ya Lesung kwa Sefhare, ga a ipone tsapa mo go batleng ditsela tsa go itshetsa. A re o tlhaloganya sentle fa metlhale ya khumo e le mentsi mme fela go laola botlhaga le lorato mo ditseleng tsotlhe tse motho a ka di tsayang go leka go latela methale eo. Mme Gabanakgang o itlhalositse mo potsolotsong fa ene e le motho yo o filweng botsipa jo bontsi ke Modimo. A re e rile ka 2011 a ithekela matsela a a dirang ditjale mme a simolola go roka a bo a di rekisa. A re mme ka matsela ao a le turu, go ne ga mo ketefalela gore a tswelele sentle. O ne a tlhalosa gore se se neng se dira gore kgwebo ya gagwe e goge ka thata le go feta ke gore o ne a dirisa madi a mantsi go tswa mo dipoelong a tshetsa lelwapa la gagwe ka one. A re o ne a seka a itlhoboga mme a reka diulu. Ka tsone di le tlhwatlhwa e e kwa tlase, a simolola go loga mebese a bo a e rekisa. O kaile fa a ne a tswelela ka go loga le go rekisa mebese, a tlhalosa fa mebese eo e rwalwa ke balatedi ba dikereke tse di farologanyeng le bana ba dikolo. O ne a supa fa a ne a tswelela a kotlopisa kgwebo ya gagwe ya mebese. Le fa go ntse jalo, a re fela pelo e ne e eta e gadima kwa morago ka a ne a sa ntse a na le lorato la go roka ditjale gape bareki ba tshela ba mo tshwenya ka tsone. “E rile ka lengwe la malatsi ke ntse ke e ja tlhogo, sengwe sa rothegela mo tlhaloganyong yame, ke ne ka bona go tshwanela gore ke tseye dilo tse batho ba tsayang gore ke matlakala ke di tsenye mo tirisong,” a tlhalosa. Mme Gabanakgang a re mo nakong ya gompieno o inaakantse le go tsamaya a kopa dibata tsa matsela a mateise mo baroking. A re dibata tse o a di pataganya a bo a roka dibeke tsa bomme ka tsone. A re o leboga baroki bao go menagane ka ba sa mo lope sepe, ka gore tota ba ne ba tshela ba fisa dibata tseo. O supile fa dibeke tse a di dirang di kgatlha leitlho, a tlhalosa fa di rekwa jaaka dilekere. A re ka dinako tsa manyalo o kgona go bona theko e e nametsang ka jaana batho ba mo kopa gore a ba direle dibeke tse di tsamaelanang le kapari ya bone ya manyalo ka dipalo tse di ntsi. A re ditlhwatlhwa tsa dibeke tse di laolwa ke modiro, a tlhalosa fa dingwe di lopa P70.00, fa tse dingwe e le P100.00 le go feta. A re jaanong o simolotse go dira madi a a botokanyana ka jalo o kgona go reka matsela a ditjale, a tlatsa ka gore kgwebo ya gagwe jaanong e ikaegile ka go dira ditsale, mebese le dibeke tsa mateise. Go ntse go le foo, a re o akgola baroki ba ba mo thusang ka dibata tsa mateise go menagane mme a supa fa a kgona go ba direla dibeke sesolo ele nngwe ya ditsela tsa go ba lebogela tirisanyo mmogo ya bone. Mo kgwebong e ya gagwe, Mme Gabanakgang a re kgwetlho e e mo tshwenyang thata ke ya go itlhoboga ka bonako ga bareki. A re fa ba sa fitlhele se ba neng ba se batla ga ba mo fe sebaka sa gore a se ba direle, mme ba ye go batla go sele. O kaile fa ba boela kwa go ene fela fa ba setse ba itlhobogile ke gone ba kope gore a ba direle, mme a re seemo se, se felele se mo tsenya ka fa tlase ga kgatelelo ka a tlamega go berekela mo nakong le go tlogela tse dingwe tse a neng a setse simolotse go di dira. “Moreki o kgona go tla a batla tjale, mmese kgotsa beke ya mmala mongwe mme fa a sa o fitlhele o fetela kwa pele mme bangwe ba kgona go boela gape kwa go nna fa ba tswa go tlhobosetswa ke baroki ba bangwe,” a tlhalosa jalo Mme Gabanakgang. A re o batla go godisa kgwebo ya gagwe, ka jalo o sa ntse a emetse thuso ya ba boipelego. Mme Gabanakgang a re fa a ka bona thuso, ga a ana go letla sepe go mo ema kwa pele. O supile fa mo nakong ya gompieno a sa ntse a direla fela mo lwapeng. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Leuba le ganyaola leruo kwa Sefhare Barui ba motse wa Sefhare ba tsweletse ka go latlhegelwa ke dikgomo le ditonki ka dipalo tse di kwa godimo ka lebaka la tlala le lenyora. Se se boletswe ke modulasetilo wa komiti ya balemi le barui kwa motseng oo, Rre Balekang Phaladi mo potsolotsong le BOPA ka Labobedi. Rre Phaladi a re ke selelo le khuranyo ya meno ka morui a kgona go latlhegelwa ke leruo le lentsi ka nako e le nngwe fela. Rre Phaladi a re seemo se, se tsisitse gape kgotlhang fa gare ga morafe le barui. O ne a supa fa bangwe barui ba siela leruo la bone metsi a morafe le ntswa le one a tlhaela. O ne a supa gape gore bangwe barui ba kgaotse terata e e neng e ageletse masimo mangwe ka fa tlase ga lenaneo la cluster fencing gore leruo la bone le kgone go fula mo masimong ao. Go sale foo, Rre Phaladi o ne a kopa barui go baya leruo la bone leitlho a re gantsi fa go tsena seemo se, leruo le tshabelelwa ke bolwetse jo bo bidiwang kwatsi mme a supa fa bo le borai thata ka bo bolaya mme bo sena dikai. O tlhalositse gore bolwetse jo bo tsena seruiwa fa se e ja bojang kgotsa ditlhatshana tse ditala le tse di setseng di omeletse ka nako e nngwe fela kgotsa mo pakeng e nngwe fela. Rre Phaladi o ne a rotloetsa barui gore ba emise mokgwa wa go kokotletsa leruo la bone le bo le nna le ntsi thata mme e re go tla dipaka tsa leuba leruo le bo le ba latlhegela lotlhe. A re barui ba tshwanetse go le fokotsa ka go le rekisa ba bo ba ipolokela madi mo dibankeng kgotsa ba dirisa madi ditiro tse di ka ba tshetsang mo isagong jaaka go aga matlo ba bo ba a hirisa. O ne gape a gwetlha barui go nna ba jesa leruo la bone dijo tse di tiisang mmele le go le siela melemo gore fa leuba le tsena leruo le seka la swa ka bofefo. A re ba dirise lotlhaka leo go dira dijo tse leruo le ka tshelang ka tsone mo dipakeng tse di tshwanang le e re mo go yone e ya leuba. society 9 Dikomiti di tlaa lwantsha tshenyetso setshaba Dikomiti tsa twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo kwa maphateng le mo makalaneng a puso di dirilwe ka maikaelelo a go neela makalana le maphata boikarabelo ja go itebaganya le tshenyetso setshaba ka botlalo. Fa a bua mo thutuntshong e e tsweletseng ya malatsi mararo, mogolwane go tswa kwa lephateng la twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholela Mme Thembie Patrick, e bile ele leloko la komiti ya tswantsho tshenyetso setshaba mo lephateng la ofisi ya ga tautona, o ne a re maikaelelo a dikomiti tseo ke go tsibosa ka tshenyetso setshaba, se se e bakang le manokonoko a a amang bodiredi le setshaba ka ka karetso. Mme Patrick a re ba ikaelela gape go tlhabolola le go fetola maikutlo mo bodireding gammogo le go fokotsa tatlhegelo le tshenyo ya ditsa-puso, e e areng e diragala manokonoko a yone a ame thata itsholelo le motho ka bongwe ka bongwe. A ba solofela go bona dikomiti tse di le teng mo makalaneng a a bopang lephata, go fologela kwa dikgaolong gore mongwe le mongwe a tseye karolo mo kgannyeng e ya tshenyetso setshaba. O tsweletse a re fa dikomiti tsa makalana a puso di simolodisiwa, maloko a tsone ane a supa kgatlhego, mme ka bonya kgatlhego eo ya nyelela, a re ga a tlhaloganye gore a komiti e tlhokile thotloetso kana e ne ya adima tshwene marapo. Mme Patrick o ne a bua gape ka dikgang tsa go rutuntsha dikomiti tsa makalana, a re lenaneo la teng le tla a romelwa kwa maphateng gore ba le ipaakanyetse le gone go tlisa bao ba ba ba tlhophileng. Mogolwane go tswa kwa Botswana National Achieves and Records Services kwa Francistown Mme Lorato Motsaathebe a re maphata a latlhelela difaele tsa puso le tsa bodiredi ntswa ele tsone di tshotseng sengwe le sengwe. A re gone go itlhokomolosa go baya difaele sentle go nyeletsa dilo dingwe tsa botlhokwa, a tlhalosa fa go bewa sentle ga direkote mo maphateng go le botlhokwa fela thata. Mme Motsaathebe a re go sa baya dilo ka fa tshwanelong go ka tsenya motho mo mathateng le lone lephata tota.` Mme Motsaathebe o tsweletse a re tshomarelo ya makwalo le difaele ke lemao le le ntlha pedi le le ka tlhabang kobo le moroki, ka leka golola motho fa ale mo mathateng kana la mo tsenya ka kgolegelo. A re fa mokwalo o beilwe sentle, motho o ka itshwarelela ka one mo dintlheng tsotlhe tsa kgang. Fa a otlelela kgang tseo tsa tshenyetso setshaba, mogolwane wa lephata la tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo Rre John Thupeng ene one a bua thata ka pipa molomo e ka nako e nngwe batho ba e dirang ba sa lemoge gore ke yone, ya go fa motho madi kwa dioteleng kana kwa matlong a bojelo gore o go thusitse sentle. A re motho yoo, o mo tirong ya gagwe e a e duelelwang, jalo fa o dira jalo ke go mo fa pipa molomo O ne gape a re gole gantsi makalana le maphata a na le ditsamaiso tsa one tse ba di ipeelang mo tirong tse di farologaneng , mme a re mo nakong e nngwe ka fa motho a itshwarang ka teng mo tirong ke ka fa a tswang kwa lapeng ka teng, a tlhalosa gore go nna dinalanyana ga go simologe mo tirong . Fa a latlhela la gagwe mongwe wa batsena thutuntsho eo, mookamela lephata la tsa kgatiso le kanamiso ya ditirelo tsa puso Mme Kitso Raditlhokwa o ne a re go na le tse dintsi tse di diragalang mo maphateng a bone mme ba sa dielelele tlhoko, mme a supa fa jaanong ba ya go tsenya leitlho ka jaanong ba amule botsipa ja go leba dilo ka leitlho la baetelediepele. Mme Raditlhokwa o ne a re go botlhokwa thata gore mongwe le mongwe a rutuntshiwe ka tshenyesto setshaba le go gopela itsholelo kwa madirelong gore ba itse fa ba dira tshenyetso setshaba le fa ba dirang sentle teng society 9 Ba rotloediwa go aba madi a mmele Moemedi wa Kokelo e e abang madi a mmele mo Molepolole o rotloeditse setshaba ka kakaretso go ititaya ka thupana go aba madi ka dipalo tse di kwa godimo ka go le botlhokwa thata e bile go ka boloka matshelo. Mo potsolotsong le BOPA, Rre Olebile Choko , a re go botlhokwa gore batho ba ba itekanetseng ba iketleetse go ya go aba madi kwa kokelwaneng ya madi a mmele mo Molepolole kwa sepateleng sa Scottish Livingstone. O bile a tlhalosa gore makalana a mangwe a kwa Maun, Franscitown, Gaborone, Serowe le Mahalapye. Rre Choko a re e a re ka dinako tsa pelegi, dikotsi, malwetsi a a tshwanang a fa mmele o sa kgone go itirela madi, madi a a abilweng ke one a thusang mo diemong tsa go tshwana le tse, a boa a tlatsa ka gore Batswana ba tshwanetse go ipaya mo seemong sa gore ba thusa ba masika le ditsala, le bone ka sebele, ka go sena ope yo o itseng gore eng se tla diragala leng. Rre choko a re go a itumedisa ka dipalo tsa Batswana tse di thologelang kwa kokelwaneng ya bone ya Molepolole go ya go aba madi a mmele di a nametsa, a tlatsa ka gore borre ba ne ba tla ka boutsana go le pele mme jaanong dipalo tsa bone di a godletse kwa godimo. O ne a tlhalosa fa kwa tshimolodisong ya lenaneo ngwaga o o fitileng Batswana ba ne ba tla ka dipalo tse di kwa tlase, mme jaanong ba kgona go thusa batho ba ka tshwara bararo kgotsa bone ka letsatsi. A re le fa gone go le botokanyana, o tshwenngwa ke gore Molepolole ke lefelo le letona. Ka jalo ba ba solofetse go feta boraro kgotsa bone jo, jwa malatsi otlhe. Rre Choko o bile a tlhalosa gore maikaelelo a bone e le lekalana la Molepolole ke gore e re ngwaga o fela ba bo ba kgonne go tlatsa dikgetse tsa bone tsa madi di le sekete le makgolo a mabedi. O supile gore morago ga kgwedi tse supa ba ntse ba butse kokelo ya go aba madi ba kgonne go bona dikgetsana di feta makgolo a supa mme palo eo e nametsa e bile go supega ba ka nna ba feta palo e ba neng ba e solofetse. Rre Choko o ne gape a rotloetsa Batswana gore ba nne ba laletsa dikokelwana tsa madi go isa ditlamelo kwa bathong, bogolo jang fa go nang le batho ba ba palo e ntsi, a tlatsa ka gore ba bona dipalo tse dintsi tsa dikgetsana tsa madi fa ba tswetse kwa ntle, go na le fa ba leta batho mo kokelong go tla go aba madi. O ne a tlhalosa fa makgetho a mantsi ba nna le maeto go tlhola kgaolo ya Kweneng fela ka bophara mme ba tle ba kgonne go thusiwa ke Batswana ka bontsi. E rile a konetelela Rre Choko a tlhalosa fa ba bula kokelwana go simolola phakela ka nako ya masome a mararo morago ga nako ya bosupa mme ba tswale ka nako ya masome a mararo morago ga nako ya bone maitseboa. O ne a tlhalosa gape gore ba kgona go bula ka mafelo a beke fa morafe kgotsa lekalana lengwe le bona go tshwanela e bile go laleditswe batho ba le bantsi. O ne gape a supa fa go le botlhokwa gore e re motho a tla go aba madi a mmele a bo a itekanetse. Rre Choko o ne a tlhalosa fa motho a aba madi a mmele fa bokete jwa mmele wa gagwe bo feta masome a matlhano e bile a le dingwaga tse di fa gare ga lesome le borataro le masome a marataro le bosupa. O ne a tlhalosa fa bomme ba boa ba aba madi gape morago ga kgwedi tse nne fa borre bone ba nna lebaka la kgwedi tse tlharo gore ba e go aba madi legato le le latelang. BOKHUTLO health 6 AFM ya Thamaga e pelonomi - Mabeo Tona wa lephata la phiro le tokafatso dikitso, Rre Tshenolo Mabeo o akgoletse kereke ya Apostolic Faith Mission (AFM) kwa Thamaga mowa wa bopelonomi jaaka ba ne ba abela Mme Keneilwe Pule ntlo e e lopileng P140 000. E rile a bula ntlo eo e e dikamore tse pedi le sephato, a re lerato le le kalo le le supilweng ke phuthego le rurifatsa lerato la Modimo. Tona Mabeo o ne a tlhalosa fa kereke e le motheo wa dilo tse di ntsi, a afa sekai sa gore fela jaaka lefatshe leno le tlhaetswe mo molaong wa Modimo, kereke ke motheo wa lelwapa. A re fa tsotlhe tse dintle di simolola kwa malwapeng, tiro ya kereke e nna motlhofo. Rre Mabeo o gateletse ntlha e ka go re lerato le kagiso di tshwanetse tsa nna teng mo malapeng ka gore fa di seyo mo baphutheging ba kereke tiro ya kereke e nna thata, mme fa di le teng mo kerekeng go motlhofo gore di anamele kwa setshabeng. Le fa go ntse jalo, tona o gwetlhile ba ba abetsweng go tlhokomela ntlo eo ka boammaaruri ka e le selwana, e bile kago e dirwa ka dithata ka go se motlhofo go dira tiro e e kalo. Ka jalo o galaleditse ba-na-le seabe botlhe ba ba tsereng karolo a ba eleletsa katlego mo go tsotlhe tse ba di dirang. Fa a afa tekodiso ya kago, Moruti Jobe Koosimile o ne a re ntlo eo e na le sebaka sa dingwaga tse tharo e ntse e agwa. O boletse gore kago e e simolodisitswe ke banana ba kereke morago ga gore mongwe wa bone a lemoge botlhoki kwa lapeng la ga Mme Pule mme a bona go tlhokafala gore letlhoko leo le potlakelwe. Rre Koosimile a re monana yoo o ne a gorosa molaetsa kwa phuthegong e e neng ya bona go tshwanela go itsolopanya go bona gore ba tsenya letsogo jang. A re phuthego e ne e kgothadiwa segolo bogolo ke gore kereke e rera mafoko a a molemo e bile mafoko a, a kgona go fetola pelo le botshelo jwa motho tota. O tlhalositse gape gore ga se kereke fela e e neng ya aga bonno jo e le nosi. O tlhalosa fa bangwe ka bongwe jwa bone, le dikompone tse di farologaneng di tshwana Car World, Jamal Trading, Hyper Home le Foamex Botswana mo go tse dingwe di tsentse letsogo ka go thusa ka didirisiwa gore kago e felele. Ntlo eo, e tsentswe dilwana tsa ntlo, matlhapelo a a feletseng le motlakase. Baithaopi bangwe ba solofeditse go rekela Mme Pule dijo kgwedi le kgwedi fa lephata la nyeletso lehuma le mo abetse tante e bananyana ba itlosang boduto mo go yone gore a obe letsogo ka yone. Mme Pule o lebogile kereke le botlhe ba ba nnileng le seabe mo kagong ya ntlo e. A re mpho e e kalokalo e mo leretse boitumelo jo bo seng kana ka sepe mme tseo tsotlhe di supa fa e le ditiro tsa Modimo yo o tletseng lerato le mautlwelobotlhoko. Kereke e bile gape ya abela bana ba sekole ba le lesome digalase tse di balang. society 9 Dipolaano ga se tharabololo - Brooks Modulasetilo wa khansele potlana ya Kgalagadi, Rre Sam Brooks o kgadile dipolaano tse di ileng magoletsa mo lefatsheng leno tse gantsi di dirwang ke borre. O buile jalo kwa Omaweneno mo phitlhong ya modiri mongwe wa lephata la diphologolo le makgabisa naga, yo o neng a bolawa ke mokapelo wa gagwe kwa Gumare mme morago le ene a ipolaya. Rre Brooks o ne a supa fa puso e dirisa madi a mantsi ka go isa bodiredi kwa dikoleng le go ba ruta tiro a kaya seo e le poelo morago mo go yone ka e tshwanelwa ke go thapa ba bangwe go thiba diphatlha tsa ba ba tlhokafetseng. O ne a kaya gape fa ditiragalo tsa dipolaano di ama banana mme a ba kopa go fedisa mokgwa oo ka e le bone babusi ba lefatshe leno ba ka moso. Rre Brooks o ne a kopa baeteledipele ba maphata a puso aa farologanyeng gore fa go na le dikgang tsa go tlhoka dikutlwisisano tsa bakapelo ba ba mo lephateng gape ba bapile ba fudusediwe kwa lefelong le lengwe le le kgakala go ya go berekela teng. Mabapi le tiraglo eo o ne a kopa gore bana ba yo o tlhokafetseng ba sidilwe maikutlo bogolo jang wa nagwaga tse tlhano wa mosetsanyana ka tiragalo eo e diragetse mo matlhong a bone. Modulasetilo o supile fa go bolaya yo mongwe go sa letlelesege ka ebile e le boleo go ya ka fa molaong wa modimo. Rre Brooks o ne a bua a menne phatlha fa dikgang tsa mofuta oo di utlwisa botlhoko ka di tlogela bohutsana le matlhotlha pelo mo go ba ba neng ba ikaegile ka yo o tlhokafetseng. Monnasetilo wa khansele potlana ya kgalagadi yo ebileng e le mokhanselara wa Tsabong bokone o ne a kopa borre go tlogela mokgwa oo setlhogo oo wa go bolaya bakapelo ba bone mme ba ba tseye jaaka bokgaitsadia bone. A Kaya fa gape go bolaya e se tharabololo mme e le go tlogelela ba ba setseng ka kutlobotlhoko bohutsana. O ne a kgothatsa borre go nna ba ipha sebaka sa go ikakanya pele le go nna le dipuisano le bakapelo ba bone pele ga ba ka tsaya ditshwetso tse di seng maleba ka molemo wa kgang e le go buiwa le gone go kopa dithuso mo go ba ba lebaneng jaaka mapodisi, dikgosi,badiri ka bone , ditsala le batsadi ka seo se ka thusa go rarabolola dikgang tsa bone. O ne gape a kgothatsa batsadi ba ngwana wa mosimane le wa mosetsana gore mo dikgannyeng tse di ntseng jalo go dirisana mmogo le go tshwaragana bogolo jang fa go tlogetswe bana. Rre Brooks o ne a gakolola batsadi ka molao wa bana wa 2008 oo letlang gore ngwana o tshwanetse ke go itse batsadi ba gagwe botlhe le go utlwa bothito jwa lorato lwa bone boobabedi le gone go mo tlhokomela botlhe. O ne a kopa gape bomme go tlhama dikomiti tse ka tsone ba ka kgonang go emisa kgokagontso ya borre, le gore seo gape seka ba thusa tshidilo maikutlo mo go bangwe ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo matshelong a bone a tsatstsi le letsatsi. A tlatsa ka go gakolola batsadi go nna le botsalano le bana ba bone ka seo se ka thusa thata mo go kopeng dikgakololo mo go bone mabapi le tsa marato. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Kgosi Malope II o kuile dikgafela Kgosi Malope II wa ga Ngwaketse o sa tswa go kua dikgafela tse di tlaa tshwarwang Phalane a tlhola malatsi a le masome mabedi. Kgosi o ne a biditse lebatla ka Labararo mo Kanye, a bolela fa mabele a tlaa tsisiwa kwa kgosing kgwedi eno. Kgosi o boletse fa dikgosana mo Kanye di le malala a laotswe. O boletse fa dikgafela di ne di dirwa bogologolo e le go leboga le go kopa pula gore morafe o ye go lema. Kgosi o ngongoregile ka bana ba ba sa utlweng mo Kanye ba ba ipitsang matsetsenkane, ba betsa batho bosigo le go ba kgothosa. O boletse fa molao o ba bofile matsogo ka gore batho jaanong ga ba itewe mo mokwatleng jaaka bogologolo. O boletse fa thupa ya marago e sa ba dire sepe. Kgosi o boletse gape gore bana jaanong ga ba otlhaiwa ba ikuela kwa ChildLine, ba re ba na le ditshwanelo. Fa a tlatsa, mothusa kgosi kgolo, Kgosi Kebapetse Telekelo, o boletse fa dikgafela e le bontlha bongwe ja ngwao. O boletse fa monongwaga di tlaa dirwa mo Kanye mme ngwaga o o tlang di tla bitswa go tlhe mo kgaolong ya ga Ngwaketse ka bophara. O boletse fa dikgafela go nowa bojalwa, go ipelwa go kopiwa pula. A re morafe o tlaa bo o tshware dikala tsa setlhare sa Moologa. Kgosi Telekelo o boletse fa mabele aa isiwang ke morafe ko kgosing e le o ne a dirang bojalwa fa a salang a busetswa ko dikgotlaneng gore dikgosana di thuse ba ba welang mo isong ko dikgotleng tsa tsone. O kopile gore dikgosana di tsenye leitlho gore ba ba tlhokang ba thusiwe. O boletse fa morago ga dikgafela kgosi a bo a bolotsa letsema. Fa morafe o akgela o akgotse thata gore go nne le dikgafela di harologane le letsatsi la ngwao, mme ba ngongorega gore morafe otlhe wa bangwaketse ba tshwanetse gore ba agele mafoko a kgosi mosako. Ba ngongoregile ka botlhokatsebe ga banana mo Kanye.ba kopile gore batsadi ba thuse mapodise go lwantsha seemo. Mogolwane wa mapodise Senior Superintendent Ruben Mphoeng o boletse fa bana ba tswa mo malwapeng, a kgala batsadi go bitsa bana ba ba bitsang bana maina ina e kare ke poko. O kopile gore batsadi ba thusane le mapodisi go lwantsha seemo go laya bana le go ba tlhokomela.Ends arts_culture_entertainment_and_media 0 Ba Palamaokue ba lela ka lenyora Balemi- barui ba masimo a Palamaokue ba ikuetse mo mopalamenteng wa bone, Rre Kgotla Autlwetse go ba thusa go bona gore sediba sa bone se a gokelwa ka ba tsamaya sekgala go bona metsi. Banni ba masimo a, ba buile jaana kwa phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe kwa masimong a bone ka Laboraro. Modulasetilo wa komiti ya balemi-barui, Rre Tebogo Machoro a re mo bogompienong ba nwa mo matamong a a nosang leruo, selo se a reng ga se a ba siamela. Modulasetilo o supile fa kgaolo ya bone e babaletswe ke leuba. A re ba bone sediba sengwe se se kileng sa diriswa bogologolo mme ba isitse kopo kwa go ba ditsha kwa Paje gore a ba ka seke ba se fiwe. Rre Machoro o tlhalositse fa go na le ketsaetsego ya gore ba wela kae ka bangwe ba bone ba phaka peo kwa Paje fa bangwe ba phaka kwa Serowe. A re ba thusiwa ke bakenti ba Serowe, ka jalo a re go botlhokwa go itse gore tota ba wela jang kwa Paje ntswa bone ba itse e le ba kgotla ya Swaneng. Fa a mo tlatsa, Rre Dithapelo Baliki o lebogetse gore ba bone tsela ka lenaneo la namola leuba mme a tlhalosa fa e ise e fele ka mabaka a a farologaneng jaaka go tlhoka kutlwisisano le go farologana ka megopolo. Banni ba ne ba lela ka mogotlha, ba tlhalosa fa o le kwa sekgweng mme se, se rotloetsa bogodu ka fa gongwe ba fitlhela meswang e ba sa itseng gore ke ya bomang, ba kopa gore go sekasekwe selo se thata go bonwe lefelo le le ba siametseng. Fa a ba kgwa dikgaba, mopalamente wa Serowe Bokone, yo gape e leng mothusa tona wa dikgaolo le tlhabolola magae, Rre Autlwetse a re ba itlamileng gore ba tlaa thusa go gokela sediba se ba se boneng fa e le gore ditshekatsheko di ka supa fa se na le metsi. A re keletso ke gore Batswana ba tswe mo metsing a matamo ba lebe didiba dingwe tse di kileng tsa epiwa ke puso le bangwe go nosa batho. A re metsi a matamo a ama le tsone diphologolo e be di feletse e le tsa boleng jo bo kwa tlase ntateng ya one metsi a, a a bakang le bolwetse jwa mabele. Rre Autlwetse a re go a tshwenya gore go bo go santse go sena matlwana a boithomelo kwa masimo. A re fa pula e na, e gogela leswe lotlhe kwa tamong. A re tebego le monko wa metsi a, e a tshwenya mme a ba kgothatsa go aga matlwana. A re tsholofelo ke gore mo bogautshwaneng kgang ya sediba sa bone e bo e rarabologile go bona gore ba na le metsi a a siameng a bo a supa fa puso e itlamile go dira ditsela mo masimong ka e le yone e ba gokaganyang le marekisetso. Rre Autlwetse o supile fa seemo sa ditsela se tshwenya. A re Serowe ka kakaretso ga a tsamaege. Gore ba wela kae, mopalamente a re e rile go segwa melelwane, bontlha bongwe jwa Monokela jwa wela kwa Paje. A re lekoko le sekaseka melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi morago ga ngwaga tse some. A re go a tle go diragale gore molelwane o tsene motse ka bogare mme le fa go ntse jalo, se ga se rontshe batho kgotla ya bone. Rre Autlwetse a re ka sepolotiki, bangwe ke ba Paje fa bangwe e le ba Swaneng mme a ba gakolola go tsaya se ka tlhoafalo go itsa go kgotlela ditlhopho, ka motho a sa letlelelwe go tlhopha kwa kgaolong e e seng ya gagwe. Moitseanape kwa lephateng la tsadiso le tlhabololo leruo, Mme Keorapetse Makgabana o ne a tsaya kgang ya mogotlha mofago, go bona gore banni ba ka thusiwa jang. society 9 Laphata la banana le World of Companies di abetse Shakwe Lephata la Banana, Metshameko le Ngwao le itshwaragantse le World Group of Companies le abetse sekole sa Shakwe Primary School didirisiwa tsa metshameko di akaretsa dikgwele tsa dinao le tsa diatla (volleyball) di le masome a mabedi le bongwe le pompo ya dikgwele mo Shakwe bosheng. Fa a bua mo moletlong wa go aba didirisiwa tsa metshameko bosheng, mogolwane yo o itebagantseng le tsa metshameko kwa lephateng leo kwa Mahalapye, Rre Onkabetse Lemo, o boletse fa Lephata la Banana, Metshameko le Ngwao le kopile didirisiwa mo bagwebing ba World Group of Companies mme ba dineelwa. O kopile bana ba sekole gore ba dirise dikgwele tseo ka botlalo go itshidila mmele le go thabolola tshameko ya bone. O thalositse fa go itshidila mmele go ka ba tswela molemo ka go thusa mebele ya bone go lwantsha malwetsi gape go k aba thusa gore ban ne le mmele o o lekanetseng. O boletse fa gona le batshameki ba ba itshetsang ka metshameko jaaka Joel Mogorosi mme fa bole ele ban aba sekolo b aka tsaya metshameko ka tlhwaafalo b aka helela ba tshwana le ene. Le fa go ntse jalo Rre Lemo one aba thagisa gore ba seka ba beela dithuto tsa bone ka fa thoko ba itebaganya le metshameko, a thalosa gore thuto e tla pele. Fa a lebogela dimpho morutabana yo o itebagantseng le metshameko Mme Lethomame Losaba one a lebogela Lephata la Banana, Metshameko le Ngwao le World Group of Companies go bo ba abetse sekolo sa bone didirisiwa tsa metshameko, one a ba solofetsa gore ba tlaa di somarela hela thata. Lephata la Banana, Metshameko le Ngwao le tshwaragane le World Group of Companies le mo letsholong la go abela dikolo tsothe tse dipotlana mo kgaolong ya Mahalapye. education 4 Batsaya-karolo ba rapelela tsela Mapodisi a a direlang mo kgaolong ya Good Hope-Mabule, baruti, maloko a dikereke ka go farologana le badirelapuso, e ne ya re mo bekeng e, ba phuthaganela fa makopanelong a ditsela tsa Good Hope, Ramatlabama le Pitsane go rapelela tsela eo. E re jaaka malatsi a paseka a atumetse, e bile tiriso ya ditsela e tlaa bo e tsholetsega mo malatsing a, boeteledipele jwa kgaolo bo ne jwa bona go le botlhokwa go lebisa matlho le tumelo ya bone kwa Modimong go kopa tshireletsego le pabalesego jaaka ba tsaya mesepele go leba kwa mafelong a a farologaneng. Ba ne gape ba dirisa nako e, le gone go rapelela kgaolo ya bone gore dikotsi tsa tsela ya kgaolo ya bone di fokotsege ga mmogo le jone borukutlhi jo bo apesitseng banni ba kgaolo eo, kobo ka letshoba. Dibui ka go farologana kwa thapelong eo, ba ne ba supa fa ba tshwentswe bogolo jang ke dikotsi tsa tsela e e tswang Lobatse go ya Ramatlabama, ga mmogo le borukutlhi jo bo dirwang bogolo jang ke banana ba gantsi o fitlhelang ba itshietse bojalwa. Fa a supa matshwenyego a bone e le ba sepodise, mogolwane yo o okametseng sepodise mo kgaolong ya botlhaba jwa Botswana Rre Stephen Majaha o ne a gakolola botlhe gore pele ga ba tsaya ditshwetso tsa go dira borukutlhi, ba akanye pele gore fa e ne e le bone ba dirwa jalo, ba ka bo ba tseega jang. O ne gape a kopa bakgweetsi go emisa go nwa bojalwa ba bo ba kgweetsa, a tlatsa ka gore koloi le bojalwa ke disela mmapa. O ne bogolo thata a gakolola ba ba tla bong ba hirisitse dikoloi tsa mosepele o mo leele, gore ba fe bakgweetsi ba bone nako ya go ikhutsa, a tlatsa ka gore bogolo ba hire bakgweetsi ba feta bongwe. Rre Majaha o supile fa dikotsi tsa tsela, Botswana jotlhe di nnile 411 mo ngwageng wa 2013, mme tsa nna 377 ka 2014 a tlatsa ka gore mo ngwageng ono di setse di le 86. Fa a supa dipalo tsa borukutlhi le dikotsi tsa kgaolo eo mogolwane wa Sepodise wa kgaolo ya Good Hope - Mabule Rre Tshegofatso Mokumakwa o ne a supa matshwenyego a dipalo tsa borukutlhi le dikotsi tse di diragalang thata mo motseng wa Pitsane. O ne a supa gape fa bontsi ja borukutlhi bo dirwa mo matlong a beng ba one ba agileng ba bo ba ya go nna kwa ditoropong kwa ba direlang teng. Fa a bala dipalo, Rre Mokumakwa o boletse fa dipego tsa go thuba mo matlong di nnile 32 ka ngwaga otlhe wa 2014 mme mo nakong eno go simolola ka January di setse di le 6. Fa a supa dikotsi tsa dikoloi, o ne a bolela fa mo ngawgeng o o fetileng otlhe, dikotsi di nnile 44 mme gompieno ba setse ba kwadisitse di le lesome. O ne a supa fa mo dikotsing di le lesome tse ba setseng ba di kwadisitse, go setse go tlhokafetse batho ba le babedi mo go tsone. Kwa tirelong eo, baruti ka go farologana, ba ne ba ema ka dinao go rapelela kgaolo ga mmogo le gone go kgothatsa botlhe b a ba neng ba tseneletse thapelo go tswelela ba rapela, go nna le tumelo le tshepho ya gore Modimo o tla babalela bao ba ba tsayang mosepele o mo leele ka malatsi a paseka. Ba ne gape ba kgaogana le batho lefoko la Modimo go leka go kgalema ditiro tsa borukutlhi le go nwa bojalwa, ga mmogo le go dirisa ditagi, ba supa fa e le tsone di oketsang mathata.Fa a ntsha mafoko a malebo kwa bofelong jwa tiro, Kgosi Lotlaamoreng o ne a supa matshwenyego a dikotsi mo kgaolong, mme a akgola botlhe ba ba nnileng le seabe mo merapelong eo. religion_and_belief 8 Mathuba o itshetsa ka borotho Letlhoko la ditiro le gwetlha bangwe go ema ka dinao go dirisa diatla tsa bone go itshetsa. Mme Kesego Mathuba (46) wa Mahalapye o lemogile fa phokoje go tshela yo dithetsenyana ka jalo a dirisa kitso ya gagwe ya kapei ya borotho go ikinola mo lehumeng. Toro ya ga Mme Mathuba ya go itshetsa ka kapei ya borotho e fetogile leruri ka ngwaga wa 2014. “Kgwetlho ya go gola ke sa bereke e mputse matlho gore ke eme ka dinao ke itirele se nka itshetsang ka sone. Ke ne ka dirisa kitso yame ya kapei ya borotho,” ga tlhalosa Mme Mathuba mo potsolotsong bosheng. Le fa a kile a dira maiteko a go kopa dithuso, Mme Mathuba a re go tlhoka go atlega mo kopong ya gagwe go ne ga seka ga mo kgoba marapo ka jalo a gwetlhega go tswa ka maano a a ka mo thusang go godisa kitso ya gagwe go simolola kgwebo.. Le fa go ntse jalo, Mme Mathuba a re dikgwetlho tsa botshelo jaaka go tlhokomela ba lelwapa la gagwe di ne di mo gwetlha go ema ka dinao go phunya motswedi wa itshetso. “Ka thuso ya madi go tswa mo go kgaitsadiake, lerato lame la kapei le tsweletse e bile le fetogile kgwebo.Ke simolotse ka go apaya borotho e le go lekeletsa, mme ka Modimo o sa je nkabo, ka lemoga fa tatso ya kapei yame e kgotsofatsa baji ba borotho,” ga tlhalosa Mme Mathuba. O supile gore kgwebo ya gagwe ya kapei e rotloediwa thata ke babereki ka go farologana le setshaba ka kakaretso. Mme Mathiba a re kgwebo ya gagwe e godile, e bile o apaya mefuta ya borotho ka go farologana le go rekisa seno tsididi sa gemere. Mme Mathuba a re o tsweletse ka go atolosa mmaraka wa kgwebo ya gagwe. “Ka ngwaga wa 2018, ke ne ka tsenya kopo kwa khanseleng, go apeela bana ba sekolo borotho, mme ka atlega ka fiwa thendara ya sekolo se se potlana sa Leetile. Lenaneo leo le thusitse thata go godisa mmaraka wa borotho le go oketsa letseno le ke le dirang.” O ne a tlatsa ka gore, ‘ke kgona go fiwa thendara ya go apaya borotho fa go na le diphuthego tsa babereki jaaka thuto-seka-dipuisano kana khansele.’ A re bareki ka bongwe ka bongwe mo mmolong o mogologolo wa Mahalapye ba rotloetsa kapei ya gagwe fela thata. “Mongwe wa bareki ba me ba tlhwatlhwa o feletse a bitsa kgwebo e leina la Bophelo.” O ne a tlhalosa gore leina leo le tlhalosa boleng jwa se ke se dirang ka gore ke ba fa nonofo ya go tswelela ba bereka ka natla ka jaana ba na le botshelo, ga tlhalosa Mme Mathuba. “Ke lebogela thotloetso ya banni ba Mahalapye, ka jalo ke tshela botshelo jo bo nang le boleng e bile ke lemoga mosola wa go rwala masigo ka tlhogo ke phakeletse go apaya borotho, e le ruri se ke jone bophelo.” Le fa kgwebo e santse e le potlana e bile e sena lefelo le e direlang mo go lone, Mme Mathuba o dumela fa se a se dirang se dirile phetogo mo botshelong jwa gagwe. “Ke eletsa go godisa kgwebo le go bula madirelo a kapei ya borotho.” O kgonne go thapa babereki ba le babedi go mo thusa mo tirong ya letsatsi le letsatsi ya go apaya le go rekisa borotho. O tsweletse a rotloetsa ba ba sa kgonang go bona tiro jaaka ene gore ba seka ba ineela ba itshekatsheke mme ba dirise kitso tse ba nang le tsone go fetola matshelo a bone. “O seka wa ineela o santse o tshela, ema ka dinao o fetole botshelo jwa gago.” Mme Mathuba a re boroko ga se khumo ka jalo go botlhokwa go dirisa nako e ntsi go leka maano a a ka tokafatsang botshelo ka re ope a seka a tlhabiwa ke ditlhong go bonwa a raletse motse a rekisa borotho kana a dira sepe fela se se ka mo tshedisang. ENDS economy_business_and_finance 3 Kago ya ditsela tsa Bobirwa e kwa morago Makhanselara a kgaolo potlana ya Bobirwa a re ditiro tsa kgaolo jaaka ditsela di saletse kwa morago. Fa a bua mo phuthegong ya khansele potlana kwa Bobonong, mokhanselara wa Mathathane gape e le modulasetilo wa khansele potlana ya Bobirwa, Rre Ishmael Legwaila, a re ke maikarabelo a bone e le makhanselara go bona gore ba isa ditirelo kwa baaging ba kgaolo. O tlhalositse fa terata e e kgaoganyang lefatshe la Botswana le la Zimbabwe e digetswe fa fatshe jalo se, se dira gore dikgomo le ditlou di nne le sebaka sa go gobeya mo molelwaneng o. Mokhanselara wa Molalatau, Rre Nathaniel Moribame ene a re seemo sa ditsela se a tshwenya mo kgaolong mme se, se ba pateletsa go tsaya dikgato tse di maleba gore seemo se tokafale. O supile fa bontsi jwa bakgweetsi bo senyegelwa ke dikoloi ka lebaka la ditsela tse di epegileng thata. A re ba lephata la ditsela ba tshwanetse go ikitaya ka thupana go bona gore seemo sa ditsela se a tokafala. Fa a ntsha la gagwe mokhanselara wa Bobonong Bokone, Mme Philly Segabo a re ke nako ya gore lephata la ditsela le diragatse ditsholofetso tsa lone tsa go baakanya borogo jwa noka ya Keisane mo kgaolong ya Bobirwa. E re dikgang di eme jalo,ba matlhoko a leruo gone kwa Bobonong ba supa fa ba kopana le dikgwetlho di tshwana le ditlou tse di ba itsang go ka baakanya terata e e kwa molelwaneng wa Botswana le Zimbabwe mo kgaolong eo. Dr Olorato Tshireletso o tlhalositse fa ditlou gantsi di diga terata fa di tsamaya le bana. O supile fa dikgwetlho tse dingwe jaaka tlhaelo ya bodiredi le koloi e le dingwe tsa tse di ba kgoreletsang go ka baakanya terata eo. A re go thapilwe badiri ba le babedi kwa Tuli Cycle le Mabolwe go baakanya terata. Dr Tshireletso a re ba mo tseleng ya go ka tsaya babereki ba Ipelegeng go baakanya terata gammogo le go tla ka methale e mengwe jaaka go epela mapako a masha le go dirisa terata ya buffalo fence. O tlhalositse fa e tla a re mo bogaufing ba simolola go kentela dintsa bolwetsi jwa molafo mme ba tla simolola ka mafelo a manyenyane jaaka Tsetsejwe.. politics 7 Ba ga Ngwaketse ba tlaa ipelela ngwao Modulasetilo wa Mmakgodumo Heritage and Cultural Festival, Rre Tsietsi Kebualemang, o kopile Bangwaketse go ipaakanyetsa malatsi a ipelelo ngwao ya bone. E rile a bua mo phuthegong kwa kgotleng yoora Segotshane bosheng, Rre Kebualemang a tlhalosa fa ipelelo ngwao ya monongwaga e tlaa tsaya malatsi a le mararo. O tlhalositse gore moletlo o tlaa simolola kgwedi ya Phalane e le malatsi a le lesome mme e fele Phalane a le malatsi a le lesome le boraro. A re ba bone go tshwanela gore moletlo o nne malatsi a le mararo gore Bangwaketse ba je monate. Rre Kebualemang o tlhalositse fa ba tlhophile kgwedi ya Phalane ka ditlhare di tlaa bo di thuntse go ntse go ntle e bile go kgatlhisa. Rre Kebualemang o tsweletse a bua gore go tlaa bo go o sha legong go sala molora ka malatsi a moletlo oo. A re ba tlaa bo ba dira ditshupegetso tsa ngwao ya Sengwaketse. O buile gore go tlaa bo go tlhabiwa mainane, go bokiwa, go binwa mmino wa setapa, phathisi, dikhwaere, go tshamekiwa metshameko e tshwana le koi, morabaraba, diketo le go letsa setinkane. A re gape go tlaa bo go supiwa ditiro tsa Setswana di tshwana le go thuga mabele, le go betla ditilo tsa dikgole. Rre Kebualemang a re monongwaga go tsenwa ka P20 tlhogo ya motho ka Labotlhano le letsatsi la Tshipi.A re koloi le yone e duelelwa P20. O tlhalositse fa bagwebi ba ba tlang go supa dithoto tsa bone ba tlaa duela P250, fa ba ba rekisang dijo bone ba tlaa duela P400. O tlhalositse gore barekisi ba dijo ba tlaa letlelelwa go rekisa dijo tsa Setswana fela ka malatsi ao ke a ipelelo ngwao. arts_culture_entertainment_and_media 0 Mokgatlho wa borre o gatela pele Ba mokgatlho wa Men Sector mo kgaolong ya Nhabe ba gatetse pele mo ditirelong tsa bone morago ga gore mokgatlho o tseye dingwaganyana o sa dire sentle. Maloko a mokgatlho a e leng borre ba ne ba tsaya tshwetso ya go o tsosolosa ngogola ba sena go lemoga fa borre ba le bantsi ba tlhoka dithuso, e bile ba goga dinao go itlhatlhobela malwetsi a akretsa HIV. Modulasetilo wa mokgatlho, Rre Itumeleng Takhwiria o rurifaditse seo a re ba setse ba kgonne go le gontsi mo mananeong a bone. O tlhalositse jalo fa a lekodisa maloko a mokgatlho mo bokopanong jo maikaelelo a jone e neng e le go tla go itshekatsheka go bona gore a mme ba gata sentle. O tlhalositse fa ba ne ba tsosolosa mokgatlho ka ba ne ba lemoga fa borre ba angwa ke kgokgontsho ya malwapa mme ba aswa senku. Gape a re ba ne ba tlhobaediwa ke dikgang tse di fatlhang tsa tlhakanelo dikobo ya borre le bana ba bannye. A re fa ba simolola, go ne go se motlhofo bogolo jang ka bontsi jwa maloko a bone e le babereki, a tlatsa ka go re ba simolotse fela mo legoeleleng ba sena le fa e le thebe yo montshonyana. A re letlhoko la madi ke kgwetlho e tona e e neng e ba paledisa go dira dingwe tsa ditirelo tsa bone mme a supa fa ka tshwaragano le thata ya Modimo ba kgonne dingwe tse ba neng ba di ipeile pele. Rre Takhwiri a re ba kgonne dingwe tsa ditirelo tsa bone ka go tshwaragana le makalana mangwe. O ikuetse mo go ba dikgwebo go ba tshologa mokgosi ka a re mokgatlho wa bone ga o dire madi kwa ntle ga dithuso go tswa kwa pusong, tse a reng ga di a lekana gore ba ka kgona maitlamo otlhe a bone. Mothusa modulasetilo wa mokgatlho, Rre Obakeng Kheru o ne a nankola mangwe a mananeo a bone jaaka go rulaganya tlhatlhobo ya mogare wa HIV ya bakapelo ba ba nnang mmogo ba sa nyalana, le bone bakapelo ba bong jo bo tshwanang. A re lenaneo le lengwe ke go tshwarela borre kwa kgweleng ya dinao ya Sontaga ka jaana ba itemogetse fa ba ketemela kwa mabaleng ka bontsi. A re nako e gorogile ya gore ba tsene motse le motsena go ralala kgaolo go rotloetsa tlhakanelo dikobo e e sireletsegileng. Moruti wa kerekeng ya Lontone e bile e le mothusa modulasetilo wa lekgotla la baruti, Rre Boikobo Nthobatsang o ne a akgola komiti ya mokgatlho oo a re ba dira tiro e ntle thata. O ba gwetlhile go tsena le mo dikerekeng a supa fa dikereke dingwe di seyo mo lekgotleng. health 6 Barui ba lela ka bogodu jwa ditonki Modulasetilo wa komiti ya balemi-barui kwa masimo a Makoro gaufi le Palapye, Mme Tshiamo Tabona a re ba lela selelo le khuranyo ya meno ka bogudu jwa ditonki jo bo golelang pele koo. Mme Tabona o tlhaloseditse BOPA fa bogodu jwa ditonki bo kekela mme go lemotshegile fa batho ka bontsi gompieno ba amogetse go ja tonki e bile bangwe ba e rekisetsa batswakwa. A re bogodu jo bo ba apesitse kobo ka letshoba ka go bo matshelo a bone kwa masimo a ikaegile ka ditonki. O supile fa bogodu jwa ditonki bo amile go lema, go gelela metsi, go rwalela dikgong go rekisa, e le nngwe tsela ya go itshetsa mme e bile go amile le motsamao wa bone ka tonki e le sone sepalamo. A re se se ngomolang pelo ke go bo magodu a ditonki ba kgaola terata e e laolang metsamao ya leruo bosigo mme ba di gatelele di le mokawana. O supile fa go kgaolwa terata e e laolang motsamao wa leruo go baya leruo la bone mo diphatseng tsa go thulwa ke dikoloi ka go bo masimo a bone a le fa tlase ga tsela ya A1. A re gangwe le gape fa ba kopane e le komiti ya balemi- barui kwa Makoro, barui ba supa matshwenyego a go nyelela ga ditonki, a tlhalosa fa go setse go utswilwe ditonki di feta masome a mabedi O kaile fa maiteko a go tshwara magodu a itaya sefololetse, sebe sa phiri e le go bo tirisano mmogo mo baruing le sepodisi e reketla. Mo go tse dingwe, Mme Tabona o kgadile balemi bangwe kwa Makoro ba ba lemang ka lenaneo la ISPAAD mme morago ba phuaganye temo. O supile fa balemi bao ba le matlhagatlhaga ka nako ya fa go bewa tema mme morago ba boele gae go bereka ditiro tsa kwa gae. A re tshimo e tlhoka go tlhokomelwa, ka jalo balemi ba tshwanetse go tlhomamisa ka nako tsotlhe gore ba ntsha mhero mo masimo le go bona gore legora la tshimo le mo seemong se se siameng. A re tshenyo e e bakwang ke dikgomo ke ka ntata ya go tlhoka go tlhokomelwa ga masimo. Mme Tabona o supile fa nako dingwe beng ba masimo ba tlogela ditshimo mo diatleng tsa badisa, mme ba ye gae, seo se dire gore modisa le ene a nne kwa ga motlhakga. O kaile fa go tlogela tshimo le modisa go baka kgotlhang gareng ga modisa le mhiri ka go bo tumalano e ne e le go tlhokomela leruo e seng tshimo. A re go ngomola pelo go bo puso e dirisa madi a mantsi ka lenaneo la ISPAAD go ntsha Batswana mo lehumeng mme bangwe ba tsweletse ka go busetsa maiteko a puso kwa morago ka go sa tlhokomeleng masimo a bone. O kaile fa puso e tshwanetse go baya balemi ba go nna jalo leitlho gore ba tseelwe dikgato tse di maleba fa go tlhokega. Ends crime_law_and_justice 1 Ditlhare le dithunya di tshwere Bose Batswana bangwe ba tsweletse ka go leka bojotlhe go itlhamela ditiro go na le go ikaega mo pusong. Mongwe wa bone ke Mme Mmoledi Bose wa dingwaga tse di masome a supa le botlhano yo o tlholegang kwa kgotleng yoora-Bose kwa Mogonye. A re o simolotse kgwebo ya go lema ditlhare le dithunya ka ngwaga wa 1998 a santse a berekela kwa lephateng la temo thuo kwa Gaborone mme yare a tlogela tiro ka bogodi ka ngwaga wa 2000 a bona go le maleba g o ijesa ka kgwebo eo ka e bile a ne a ntse a rata tiro e. Mme Bose o lema ditlhare tsa maungo jaaka dinamoni le dinnaraki, mme setlhare se le sengwe o se rekisa P20. Dithunya tse a di rekisang ke Rose, Benjamin, Scheflera le tse dingwe mme di simolola ka tlhwatlhwa ya P20 sethunya. A re dithunya le ditlhare tse, o di lema ka mmu o o setseng o bodule o o tswang kwa maropeng a meraka e e gaufi le motse. A re o bapala mmu oo ka dibata go ya go lema ka one ka a lemogile gore ke one o o itumedisang dijalo tsa gagwe. “E re ntswa ke le mogodi, bogodi jwa me ga bo nkgoreletse ka sepe mo tirong e ya go lema ditlhare e bile ke tiro e ke e dirang ke le nosi ke sa thusiwe ke ope ntswa e le tiro e e boketenyana. Ka dinako tse dingwe ke dirisa maatla a mantsi ke tlhagolela ditlhare tse go ntsha mhero”, Mme Bose a tlhalosa. A re ntswa kgwebo e sa busetse dipoelo tse di kgotsofatsang o itumelela gore fa khansele potlana ya Moshupa e dirile letsatsi la theko le thekiso o bona dipoelo tse di botoka. A re o lebogela gore go dira jalo ba rotloetsa kgwebo ya gagwe. Le fa go ntse jalo Bose a re mo ngwageng eno ga a dira dipoelo jaaka dinako tsotlhe ka letlhoko la metsi le ile magoletsa. A re seemo seo se dirile gore ditlhare di swe ka bontsi ebile dithunya tsa rose di jewe ke tsiakgope. A re ke poelo-morago ka jaana go tsaya sebaka go boela mo seemong sa dinako tsotlhe. “Ke eletsa go leboga mothusa tautona Rre Mokgweetsi Masisi yo gape e leng mopalamente wa kgaolo go bo a nthotloetsa fela thata ka e le mongwe wa bareki ba tlhwatlhwa ka a reka ditlhare tsa me thata e bile a nthotloetsa gore ke seka ka tlhoboga kgwebo e le fa e ka wela tlase”, ga leboga Mme Bose. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Puso e tlhabolola thuto Tona wa lephata la thuto le tlhabololo kitso, Dr Pelonomi Venson-Moitoi, a re puso e ikaelela go tlhabolola seemo sa thuto ya lefatshe leno, go se dira sa maemo a ntlha. E rile fa a buisana le bakwaledi bagolo ba lekgotla la UNESCO mo Gaborone mo bosheng, a tlhalosa gore puso ya lefatshe leno e ikaeletse go dirisa madi a a bonalang mo mhameng wa thuto, go tlhabolola bodiredi. Bakwaledi bao ba ne ba etetse lefatshe leno malatsi a le mararo, go tsena phuthego ya go aga bodiredi. O tlhalositse gore lephata la gagwe le tshwaragane le go tokafatsa tsamaiso ya thuto, go e tswakanya le dikitso tsa go itshetsa. Dr Venson-Moitoi o ne a supa gore phuthego eo e tlaa fa lefatshe la Botswana sebaka sa go supegetsa mafatshe a mangwe maiteko le maikaelelo a lone mo go tlhabololeng thuto. Mafatshe a kgaolo ya borwa jwa Aferika, a a leng mo lekgotleng la UNESCO, a a itebagantseng le go dira ditshekatsheko, a akaretsa Botswana, Lesotho, Malawi, Mozambique, Namibia, Aferika Borwa, Swaziland, Zambia le Zimbabwe. Lekgotla le le na dingwaga di le mmalwa le rulaganya diphuthego, go fa mafatshe sebaka sa go gakololana ka tse di ka dirwang le go leba ditiro tse di tshwanetseng go potlakelwa. Mangwe a maikaelelo a matona a lekgotla la UNESCO ke go neela bana thuto e e tlaa ba solegelang molemo botshelo jotlhe, ka go ba neela kitso le thuto ya tlhaeletsano. education 4 Ba bogosi ba abela bana Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgotlana ya Riverside mo Maun, Rre Suping Kebalepile o lebogetse bodiredi jwa kgotlakgolo ya Batawana go bo ba abetse bana ba ba-na-le bogole ba Moremi III Memorial School. Rre Kebalepile o ne a le kwa kabong dimpho e e neng e tshwaretwse kwa sekoleng seo ka Labobedi. Dimpho tseo di ne di akaretsa dino-tsididi di le makgolo a mane le masome a mabedi le mabotlolo a metsi a le makgolo a le mararo le masome a marataro. Modulasetilo o ne a tlhalosa fa ba dirile tiro e ntle e bile e le tona go bo ba gopotse bana ba ba-na- le bogole, a supa fa seo se ba kaya e le bogogi jwa motia. O ne gape a rotloetsa barutabana le batsadi ba bana go tswelela ba tshwaragane mo kgodisong le mo thutong ya bana, a tlhalosa fa maduo a tirisano mmogo eo a tsweletse ka go ntsha maduo a mantle mo sekoleng. Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole seo, Mme Ngonda Setlhare o ne a tlhalosa fa sekole seo e le se se faphegileng ka e le sone sa ntlha mo Bokone Bophirima le mo Maun go nna le lekalana la thuto ya ba-na-le bogole. Mme Setlhare o tlhalositse fa sekole seo se na le bana ba le makgolo a ferabobedi le masome a supa mme mo palong eo ba le lekgolo ke bana ba lekalana le la ba-na-le bogole. Mogokgo o ne a tlhalosa fa ba na le kgwetlho mo lekalaneng leo ya letlhoko la matlo a borutelo le didirisiwa tsa thuto tse di lebaganeng bana ba ba-na-le bogole. A re puso e leka go thusa mme ga e kgone matlhoko ao, ka jalo a gwetlha dikompone tse di ikemetseng le setshaba go thusa puso maikemisetso ao. O ne gape a ikuela mo dikomponeng go tsaya sekole seo ka lenaneo le le bidiwang ‘Adopt-a-school’ go thusa go se tlhabolola. Mongwe wa baithuti bao yo o mo mophatong wa bone (level 4) Rre James Modisane le ene fela jalo o ne a leboga ba kgotlakgolo go ba abela dimpho, a tlhalosa fa Modimo ka esi e le ene yo o ka ba lebogelang bopelotlhomogi le bopelontle jo a bo supileng mo go bone. society 9 Lelwapa boremelelo jwa kgodiso ya ngwana Tona wa tsa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu, a re lelwapa ke mokwatla wa kgodiso ya bana. Tona o buile jalo kwa moletlong wa go ipelela malwapa o o neng o rulagantswe ke kereke ya Family Of God kwa Selebi Phikwe bosheng. A re moletlo wa go nna jaana o tlaa thusa malwapa a le mantsi go itshetlela. Tona Batshu a re malwapa mangwe a lebanwe ke masula l, ka jalo kereke e tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go itebaganya le matshosetsi otlhe a a gomagometsang go thubega ga malwapa. Tona Batshu o ne a tlhalosa gore Batswana ba tshwanetse go boela kwa mokgweng wa maloba kwa malwapa a neng a bopagane. Tona re lephata la gagwe le tshwentswe ke dikgang tse di golelang pele tse di supang fa bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro ba dirisiwang botlhaswa ke borre ba ba tshwanetseng go bo ba ka bo ba ba sireletsa. A re bana ba dingwaga tse di lesome le bongwe ba tsweletse ka go tshola bana mme a kgalema a menne phatla gore ga se mokgwa wa setho. O ne a kgothatsa dikereke go thusa puso go lwantsha mmaba o o tlhasetseng bana, a re bana ba tshwanetse go tlogelwa go akola bongwana jwa bone. Tona o tsweletse a re dipalo tsa batho ba ba nyalanang di wetse kwa tlase mo dingwageng tse tlhano go simolola ka 2010 go ema ka ngwaga wa 2014 a re se se supa gore batho ga ba sa tlhole ba na le tshepho mo lenyalong mme se se rotloetsa mowa wa go nna mmogo batho ba sa nyalana. Tona Batshu o kopile dikereke go tlhama mekgatlho e e tlaa rotloetsang lenyalo, mme a fa sekai ka mokgatlho wa Re-a-Nyalana o o simologileng ka ngwaga wa 2011 mme o setse o kopantse malwapa a le 2 466, a re se se rotloetsa kgodiso ya bana e e kopanetsweng ke batsadi botlhe. Kereke e ne ya abela lephata la dikgolegelo dimpho tsa go tlhapa di akaretsa melora le ditlolo. society 9 Go sa duela mmereki ka nako ke molato Go tlhoka go duela mmereki ka nako ke tlolo molao e e ka otlhaelwang motho. Se se tlhalositswe ke Tona wa tsa Pereko le Selegae, Rre Edwin Batshu, kwa Moreomaoto fa a tsibogela matshwenyego a gore dikhamphani dingwe tse di disang dikago ba tsaya lebaka go duela babereki ba bone. Rre Batshu a re molao wa pereko o laola gore fa o dumalane le mmereki gore o mo duela kgwedi e le kae o tshwanetse wa dira jalo. Le fa go ntse jalo, a re fa mohiri a ka palelwa ke go duela mmereki ka letsatsi la kgwedi le ba le dumalaneng molao o mo fa malatsi a pereko a le mararo fela gore a bo a duetse mmereki yoo, eseng jalo o abo o tlodile molao e bile o ka otlhaiwa. A re ba tlhaloseditse beng ba dikhamphani tse di disang dikago gore go nne go na le madi a a beetsweng fa thoko gore ba kgone go duela babereki ba bone ka nako. Mo go tse dingwe,Rre Batshu o ne a tlhalosa gore e tlaa re kgwedi ya Seetebosigo e simologa seelo sa dituelo tsa badisa se se kwa tlase (minimum wage) e tla bo e le makgolo a marataro le masome a babedi a dipula fa sa babareki ba mo malwapeng e tlaa nna masome a a supa a dipula,masome a fererabobedi le bosupa jwa dipula. O ne a gakolola gore,ka ditumalano, mohiri o ka rekela modisa dilo tse a di tlhokang ka madi a a sa feteng masome a mane mo lekgolong go tswa mo mading a modisa a kgwedi,mme a mo neele masome a marataro mo lekgolong a madi a gagwe. O ne a gakolola bahiri le babereki go tsena mo ditumalanong tsa pereko pele tiro e simologa, a re e ka nna ka mokwalo kgotsa ka molomo e bile ba ka nna le basupi. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Kgaolo ya Borwa Botlhaba ya re ditlhabololo di a rotha Makhanselara a kgaolo ya borwa botlhaba ba kopile puso go rarabolola tiego ya go tsisa ditlamelo mo kgaolong ya bone . Makhanselara ba buile se mo phuthegong kgolo ya khansele eo bosheng gore, ba re puso e tsaya nako e telele thata go ba atametsa ditlamelo. Mongwe wa makhanselara, Rre Kgabo Mabotseng wa kgaolwana ya Magopane a re kgaolo ga gagwe ya Magope ga ena ditlamelo di akaretsa metsi, motlakase, kokelo le ditsela. A re go tswa kgakala a kopela kgaolo eo ditlamelo mme go sena nko e e tswang lemina ka jaana a sa thusege. Rre Mabotseng a re go le gantsi ba a solofediwa mme go seke go diragale sepe, a bo a tlhalosa fa kgaolo ya gagwe ya Magope e kile ya solofediwa kokelo. Gape o ne a kopa ba botsogo go dira maiteko a go isa ditlamelo kwa banning ba Magope bogolo gangwefela ka kgwedi. Mokhanselara yo o itlhophetsweng Rre Matshediso Fologang ene one a re go lebega fa kgaolo ya borwa botlhaba e sa bone ditlamelo sentle. A re tshwetso ya puso ya go tsaya ditlamelo di tshwana le metsi go a isa kwa komponeng ya Water Utilities Corporation le go tsaya boikarabelo jwa dijo tsa bana ba dikole tse dipotlana, ga goa thusa go bona ditirelo tse di botoka. Rre Fologang o ne gape a lela ka lenaneo la Ipelegeng a re le sotla bagodi ba kgaolo ya Ramotswa. A re bagodi ba lala mo meleng ka tsholofelo ya gore e tlare fa go bulwa diofisi mo mosong e nne bone ba ntlha go ka thapiwa. Fa Mokhanselara Mme Nora Nkwe a ne a tlhalosa fa mafelo mangwe kwa Tlokweng a akaretsa Maratanang le Masetlheng a sena ditlamelo ntswa selelo sa bone se tswa kgakala. O ne a tlhalosa fa puso e retelelwa ke go tsaya madi mo bathong ba ba itekodisang kwa dikokelong tsa lefatshe leno. A re madi a puso e palelwang ke go a phutha mo dikokelong, a ne a ka thusa go reka melemo. Fa a tswa la gagwe molaodi wa kgaolo ya borwa botlhaba Rre Ian Tema o ne a tlhalosa fa selelo sa makhanselara se utlwala ebile sele maleba. Le gale, o ne a ba tlhalosetsa fa selelo sa letlhoko la ditirelo le aname le lefatshe leno lotlhe ebile puso e itsa ka se. Rre Tema o ne a tlhalosa fa gole botlhokwa thata gore maphata a a isang ditlamelo kwa bathong jaaka Water Utilities Corporation a nne a lekodisa morafe le boeteledipele jwa kgaolo ka ditirelo tsa bone le dikgwetso tse ba kopanang natso.BOPA politics 7 Go runya ga marekisetso a bojalwa go a tshwenya Mogolwane wa sepodisi sa Thamaga, Rre Thabo Mojwe, o tlhalosite gore sepodisi se tshwentswe ke go runya ga marekisetso a bojalwa kwa motseng oo. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla ka Mosupologo, Rre Moje a tlhalosa fa go na le marekisetso a dino a feta masome a mane mo motseng oo, mme a re se ke sone se kuketsang borukutlhi le tiriso ya diritibatsi. O ne a tlhalosa fa e bile marekisetso a mangwe a dino a sa obamele molao wa thekiso jaaka go tswala ka nako e e beilweng. A re e ne ya re ngwagatlola ba tshwara batho ba le 21 ka motokwane fa ba le 156 ba ne ba tshwarelwa go nwa bojalwa jo bo sa letlelesegeng. A re ngogola ba ba tshwerweng ka motokwane ba ne ba fokotsega go nna lesome fa ba le 244 ba tshwerwe ba itlhadiela fa go sa letlelelweng teng. O ne a tlhalosa fa seemo se se tlhobaetsa fela thata e bile se tshwanetse go emelwa ka dinao mme a kopa morafe go dirisanya le bone. Kgosi Segale Gobuamang o ne a tlhalosetsa morafe fa ba emisitse go fa batho teseletso ya go rekisa majalwa a a dirwang mo malwapeng ka jaana ba ne ba lemoga fa bangwe ba setse ba rekisa le majalwa a a sa letlelesegeng. O ne a tlhalosa fa ba beile seemo leitlho go bona gore se boela mannong. health 6 Sorilatholo o tlaa bona motlakase Molaodi wa kgaolo ya Kweneng, Dr Temba Mmusi o tlhaloseditse banni ba Sorilatholo fa motse wa bone o tlaa tsenngwa motlakase pele ga ngwaga o o tlang o ya fifing. O tlhalositse se mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa motseng oo ka Mosupologo, mme a tlhalosa fa se se tlaa araba selelo se banni ba sa bolong go se lela sa letlhoko la motlakase le go nna maoto a tshupa ga badirelapuso go berekela koo. Dr Mmusi o ne gape a kopa komiti ya ditlhabololo ya motse oo go aga matlo a boroko a badirelapuso go thusa go imolola puso mokgweleo. A re seo se tlaa bo se thuse le yone komiti eo go itirela letseno. Dr Mmusi o ne gape a kopa banni ba motse oo go seka ba tlelwa ke boitlhobogo mo lenaneong le lesha la go tsosolosa itsholelo ka jaana go lebega le sa ba tshwarela sepe se sentsi mo legatong la ntlha ka jaana le kgaogantswe ka magato a le mararo. A re le fa ntswa go ntse jalo, mananeo a mangwe a go ba tlhabolola a tlaa bo a ntse a tsweletse, ka jalo a ba kopa go nama ba dirisa one ba sa ntse ba emetse la go tsosolosa itsholelo. Mo go tse dingwe Dr Mmusi o ne a solofetsa banni ba motse oo fa a tlaa buisanya le ba bogosi kwa Molepolole mabapi le go okelediwa dikgosana tsa tetlanyo mo motseng wa bone. O ne gape a ba tlhalosetsa fa a tlaa buisanya le ba thuto go sekaseka kgonagalo ya gore barutabana ba nakwana ba ba ithaopetseng go berekala kwa motseng oo ba thapiwa e le ba sennela-ruri fa ba bangwe ba sa supe kgatlhego ya go ya koo. Dr Mmusi o ne a araba matshwenyego a ga Kgosi Olebetse Phemelo yo o neng a supa matshwenyego ka palo e a reng e kwa tlase ya dikgosi tsa tetlanyo mo motseg wa gagwe fa o tshwantshanngwa le e e mabapi e e lekanang le one. Kgosi Phemelo o ne gape a kopa puso gore e sekaseke kgonagalo ya go thapa barutabana ba nakwana ba ba berekelang koo e le ba sennela ruri ka jaana ba bangwe ba le maoto a tshupa go berekela kwa motseng oo. A re se se ka tokafatsa seemo sa thuto ka jaana barutabana ba nakwana ba fapaanngwa kgapetsa kgapetsa mme a re se ama bana ka jaana ba sena sebaka sa go tlwaela barutabana. Kgosi Phemelo o ne gape a lela ka tlhaelo ya diofisi tsa kgotla le koloi. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya motse, Mme Ompelege Nkwane ene o ne a lela ka tlhaelo ya matlo a bodiredi, bogolo jang barutabana. O ne gape a lela ka tlhaelo ya mananeo a tshwana le a ofisi ya bong mme a kopa gore ba dire maiteko a go tla kwa motseng oo go tla go ba tlhalosetsaa ka tsa ofisisi ya bone. Mme Nkwane o ne gape a lebogela matlo a batlhoki a a agilweng mo motseng oo, a supa fa a le lesome le boraro mo go a le lesome le borataro a setse a roletswe beng ba one. O ne gape a lebogela lenaneo la LIMID le a supileng fa bodiredi bo le tsamaisa ka matsetseleko mo kgaolong, ntle fela ga tlhaelo ya melemo fa le le fale. Dr Mmusi o ne a rulagantse phuthego e go tlhalosetsa banni ba motse oo ka mananeo a puso ka go farologana, magareng ga one e le la go tsosolosa itsholelo.ENDS politics 7 Emisang go goga motsoko - Sefalana Tiriso ya motsoko ke tshaka e e magale mabedi ka e ama botlhe le ba ba sa gogeng, gammogo le botsogo jwa motho le maitsholo. Se se builwe ke modulasetilo wa komiti ya botsogo le boitekanelo Mme Galegake Sefalana, mo potsolotsong le BOPA bosheng. A re go goga motsoko ke bolwetse mo motseng wa bone, a tlatsa ka gore le bana fela ba ba dingwaga di kwa tlase ba setse ba goga. A re bana ba dingwaga tse di lesome le borataro ba goga motsoko wa dinko gammogo le wa sekerese. Mme Sefalana a re seemo se, se tshwenya fela thata mme a kopa batsadi go kgalema bana ba bone ga mmogo le go tla ka ditharabololo tsa sennela ruri go bona gore baka fedisa tiriso ya motsoko jang mo motseng wa bone. O ne a kgala thata batho ba ba gogelang motsoko mo mafelong a setshaba jaaka kwa mapalamelong a dibase, dikokelo le a mangwe fela jalo. “Go gogela motsoko mo gare ga batho ga se botho gape motho yoo dirang jalo wa bo a bolaya ba ba sa gogeng, ka jalo bagogi ba one ba tshwanetse go o jela kgakala le setshaba,” a tlhalosa Mme Sefalana. A re maduo a motsoko ke a a seng monate gotlhelele ka motsoko o baka bolwetse jwa kankere, tlhaloganyo le a mangwe a bakang dintsho jaaka a a sa tshelanweng. A re nngwe ya metswako e e fitlhelwang mo motsokong e bidiwang nicotine e borai fela ka e ama dikaralo tsotlhe tsa mmele gammogo le boboko tota. “Motswako oo, o kgona go dira gore motho a ikutlwe a le mafolofolo fa a gogile, mme fa o seo lebakanyana mo mmeleng motho a ikutlwe a lapile ka jalo mmele wa bo o tlwaetsa motswako go sena gore o ka dira kwa ntle le one,” a tlhalosa jalo. Mme Sefalana a re fa motho a goga motsoko o koafatsa makgwafo, ebile o dira gore phefo e seka ya tsamaya sentle ka fa mmele o batlang ka teng. A re o kgala thata bomme ba ba gogang motsoko ba itsholofetse ka seo se le borai mo maseeng, a tlatsa ka gore ngwana yo amilweng ke motsoko o tshabelelwa ke malwetse a tshwana le a khupelo, go tlhoka pono le a mangwe. O tlhalosa gore motsoko fela jaaka bojalwa o fetola boleng jwa motho, le dikarolo tsa mmele jaaka moriri, dinala le letlalo, gape motho o ka tsenwa ke kankere ya letlalo. A re motswako wa nicotine, o ka baka kankere ya molomo, mala, kgokgotsho ga mmogo le dikaralo tse dingwe tse di ka kwa teng, mme a kopa banni ba Bonwapitse go emisa go goga motsoko ka e bile motsoko e se dijo tse di botlhokwa mo mmeleng. “Motsoko gape o ka rotloetsa malwetse ka bontsinyana jaaka jwa sukiri,” ga bua jalo Mme Sefalana. A re motsoko o ka thuba malwapa ka gore fa o setse o amile rre, keletso ya tlhakanelo dikobo e ya ko tlase fela thata, fa mo go bomme o dira gore ba seka ba kgotsofalela tlhakanelo dikobo. O tlhalositse gore motokwane o gogelwa fela mo pontsheng mo malatsing a gompieno, a tlatsa ka gore bogologolo o ne o gogelwa kwa ntle ga motse mo sephiring ka o se ka fa molaong, mme malatsi ano ke mokgabo go ja motokwane. A re se se utlwisang botlhoko le go feta ke gore bomme le bone ba goga motokwane, a ipotsa gore a mme bana ba tlaa godisiwa sentle ga mmogo le gone go tlhokomelwa sentle. A re o eletsa gore puso e oketse dikatlholo tsa batho ba ba tshwarwang ka motokwane, a tlatsa ka gore tsa gompieno di kwa tlase fela thata. Mme Sefalana o boletse fa puso e dirisa madi a mantsi thata mo go alafeng bolwetse jwa tlhaloganyo ka ntlha ya tiriso ditagi. BOKHUTLO health 6 Banana ba kgothadiwa go fokotsa nnotagi Mothusa Kgosi ya motse wa Sefhopye, Rre Diloro Segwabe, o rotloeditse banana ba motse oo go fokotsa tiriso ya nnotagi phetelela ka e ka baka dintsho tsa dipolaano, go tsofala ga banana pele ga nako, letlhoko la madi le go tlhoka maitseo. Mothusa Kgosi o buile jalo kwa ipapatsong ya go thusa banana go fokotsa tiriso ya nnotagi phetelela e e neng e tshwaretswe kwa motseng wa Sefhophe; ipapatso e e atleng e tshwarwe lefatshe leno lotlhe ka bophara. Rre Mompati Marole, yo e leng mogolwane wa tsa ipapatso le ithutuntsho mo kgaolong ya Bobirwa, ka fa tlase ga tsa botsogo, a re ipapatso eo e remeletse thata mo bananeng ka ba iphitisa dino le go dirisa ditagi. A re maikaelelo a ipapatso eo ke go fokotsa boitshwaro jwa mofuta oo, ka dikotsi, dipetelelo le go ima ga banana di ile magoletsa ga mmogo le gone go tlhakanela dikobo mo go sa sireletsegang mo go felelang go baka kanamo ya mogare wa AIDS. Rre Marole o boletse fa ba setse ba ipapaditse mo metseng ya Tobane, Moletemane le Tsetsejwe, a ba a gatelela fa metse e e le yone e di gogang kwa pele mo tirisong ya dino botlhaswa mo kgaolong ya Bobirwa. A re ba kopanetse ipapatso e le banana ba badiragatsi gore ba natefise le go rutuntsha banana ka bone. O ne a bolela fa baeteledipele ba metse le banni ba motse le bone ba ba thusa ka go gatelela le go kgothatsa banana gore ba emise go dirisa nnotagi botlhaswa. O tlhalositse fa majwalwa a a itirelwang mo malapeng jaaka sekhokho, mokolwane le khadi le a sesha a a rekisiwang mo dibareng e le one a nowang thata. A re gape banana ga ba sale molao wa gore ba se ka ba reka ba le dingwaga tse di kwa tlase. Rre Masole o ne a gatelela fa barekise ba nnotagi le bone ba na le seabe sa go letlelela tiriso e e botlhaswa eo e e senyetsang banana bokamoso. O kgothaditse banana gore ba inaakanye le mananeo a puso a tla ba thusang go itshetsa. Mogolwane go tswa kwa lephatang la tsa botsogo, Rre Molefane Kelapile, o tlhalositse fa ipapatso e e nna e tshwarwa ngwaga le ngwaga go leka go fetola maitshwaro a a duleng mo tseleng a banana. O boletse fa bone mo lephateng la botsogo ba ema nokeng dikgaolo tsotlhe mo lefatsheng go gasa molaetsa o. A re gape molaetsa o o gasiwa ka go fa banana ba ba tlaabong ba tsile go reetsa; dibeke, dithoro le dikipara, tse ba tla nnang ba di dirisa go gasa molaetsa gongwe le gongwe kwa ba tlaabong ba le teng. Rre Kelapile a re gore leano le le atlege, ba nnile le banana fa fatshe mme banana ba ne ba ikopela gore kgaso ya molaetsa e dirwe ka go kopanya ithutuntsho le bodiragatsi go na le go ba rutuntsha fela ka tsela ya go ruta ka molomo e e tlwaelesegileng ya mo dikolong. O boletse fa ba nna ba dira gore motse o go tshwarelwang ithutuntsho mo go one le one o tsenye letsogo mo ipapatsong, gore e seka ya nna ekete o seegetswe ga thoko ntswa go rutuntshiwa banana ba one. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Ba Ipelegeng ga ba na go kgaolelwa madi Puso e tsere tshwetso ya gore fa babereki ba Ipelegeng ba ile kokelong le fa ba tsene diphuthego dingwe tsa motse ba seka ba emisetsa nako eo kgotsa ba kgaolelwa madi. Tshwetso e, e tlhalositswe ke mothusa tona wa lephata la dikgaolo le thabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso mo phuthegong ya kgotla kwa Kudumatse bosheng. O tlhalositse fa tshwetso e e ama dithuthego tsa ga kgosi, mokhanselara, mapalamentle kgotsa bo-tona le bathusi ba bone. Mme Tshireletso, yo o tlhalositseng fa mo mafelong mangwe go ntse go dirwa jalo, go tswa fela mo moeteledipeleng wa Ipelegeng a re jaanong tshwetso e e tla a diragadiwa lefatshe lotlhe. Le fa go ntse jalo a re mmereki wa Ipelegeng o tshwanetse go isa sesupo sa gore o tswa go bona ba botshogo eseng jalo otla tsewa fela jaaka yoo sa tlang tirong. O ne gape a ba rotloetsa go laela baeteledipele ba bone pele baya dikokelong. Fa ba ya kwa diphuthegong tsa methale e e tlhalositsweng,Mme Tshireletso a re le gone ba tshwanetse go laela baeteledipele ba bone. A re fa phuthego e fela pele ga nako ba tshwanetse go ya tirong go tsweledisa tiro ya letsatsi. O ne gape a tlhalosa gore mmereki wa Ipelegeng ga a tshwanelwa go roma ope gore a mo emele fa asa tla tirong, asupa gore “re ntse re utwalela gore bagwe ba ipelegeng ba kgona go romela ba masika go ba theogelela fa ba sa tla tirong”. O ne a supa matshwenyego a gore baeteledipele ba ipelegeng ba tlogela baberiki bao ba le nosi. O ne gape a supa gore gona le matshwenyego a gore babereki ba ipelegeng ga ba apeelwe sentle,a tlatswa ka gore o solofela gore go oketswa ga madi a dijo gotswa mogo masome a batlhano a dipula goya kwo go a masome a a supa a dipula go tla tiisa moko baba apayang dijo/ba ba apeelang ipelegeng.Bokhutlo society 9 Mapodisi a Maun a tlhotlhomisa petelelo Mapodisi a Maun a mo patlong ya monna mongwe yo go belaelwang a itseetse dikobo ka dikgoka mo mosetsaneng wa dingwaga tse di lesome le bosupa. Mo potsolotsong, mogolwane wa sepodisi, Superintendent Chenamo Orateng o tlhalositse fa mosetsana yoo a supile fa a ne a etetse mokapelo wa gagwe kwa kgotleng ya Botshabelo fa a tlaa kopana le monna yoo Seetebosigo a tlhola ga tlhano. A re mosetsana yoo o tlhalositse fa a ne a tsamaya mo tseleng bosigo morago ga nako ya boferabongwe fa monna yoo a mo gogela mo sekgweng a bo a itseela dikobo ka dikgoka. Supt. Orateng a re le fa go ntse jalo, le mokapelo wa gagwe o ka bonwa molato fa go ka fitlhelwa ba kile ba tlhakanela dikobo ka jaana mosetsana yoo a le dingwaga tse di sa mo letleng go ratana. O ne gape a gakolola bana ba basetsana go ikgapha mo maratong fa ba santse ba le dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi. crime_law_and_justice 1 Emang SOS nokeng Motlhatlhelela dithuto kwa Unibesithing ya Botswana, Prof. Keitseope Nthomang o rotloeditse setshaba go ema maiteko a legae la SOS nokeng. Fa a bua kwa moletlong wa go rola dijo tse di abetsweng legae la SOS kwa Serowe ke lekgotlana la Diepamere ka Labotlhano, Prof. Nthomang o tlhalositse fa legae leo le dira tiro e ntle ya go aga bokamoso jwa bana. O tlhalositse gore bana ke motheo wa setshaba, ka jalo tiro e e dirwang ke SOS ya go tlhokomela bana le go ba thusa go betla bokamoso jwa bone e botlhokwa. Prof. Nthomang a re fa setshaba se ka ikgatholosa se SOS e se dirang, bana ba ka fetoga dirukutlhi tse kamoso di tlaa tsogang di kgokgontsha setshaba ka go inaakanya le ditiro tsa botlhokatsebe. O ne a leboga bomme ba ba tlogetseng malwapa a bone go tla go tlhokomela bana ba SOS a re bomme bao ba tshwanetswe ke go tlotlomadiwa. Prof. Nthomang yo e bileng e le mogakolodi wa lekgotlana la Diepamere, o ne a galaletsa lekgotlana leo a re le setse morago dikgato tsa ga Jeso Keresete. A re go aba go tlhodilwe ke Modimo jaaka go kwadilwe mo bukeng ya Mataeo 25. O ne a tlatsa ka go re buka e e boitshepho e tlhalosa gore go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang. A re mo setshabeng batho ga ba lekane, go na le ba ba tlhokileng lesego, mme batho ga ba a tshwanela go itlhokomolosa seemo seo. Mme mongwe kwa legaeng leo, Mme Leronne Tena o ne a tlhalosa fa dimpho tseo di tlaa ba thusa thata, bogolo jang ka ngwaga ke gone o simologang. Moeteledipele wa lekgotlana la Diepamere,Rre Pule Nthobatsang o tlhalositse fa ba ne ba gwetlhega go aba morago ga go bona setshaba se tshweletse ka go aba. A re go kokoanya dijo tseo go ne go se motlhofo ka bangwe ba ne ba ba tlogela mo tseleng. A re legale se se ne sa seka sa ba kgoba marapo. A re go aba ga bone go supa gore ba teng, ka jalo a gwetlha boeteledipele jwa motse go rerisa lekgotla leo ditiro tsa merafe gore le bone ba tle ba tsenye letsogo. society 9 Ba thuto ga e golelwe ba rotloeditswe tiriso ya maranyane Baithuti ba kgaolo potlana ya Bobirwa ba rotloeditswe go ithuta maranyane. Kgakololo e, e dule ka mogolwane wa thuto go tswa kwa moding kwa kgaolong ya Bobirwa, Rre Moses Tshetlhana kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la go bala le go kwala kwa Tobane kwa sekoleng sa Motlhasedi Junior Secondary School ka Mosupologo. Rre Tshetlhana o boletse fa nako e gorogile gore baithuti ba bo ba kgona go dirisa di dirisiwa tsa maranyane di tshwana le dikhomputara go akaretsa le mogala wa letheka ka setlhogo sa letsatsi e ne e le Go ithuta mo metheng ya maranyane. Rre Tshetlhana o ne a tlhalosa fa baithuti ba thuto ga-e-golelwe ba rutwa ditiro tsa diatla tse di farologaneng jaaka go loga, go betla, go bopa le go bala le go kwala. A re fa moithuti a itse go bala le go kwala go nna motlhofo gore a bo a ka dirisa maranyane a tshwana le Facebook go bapatsa tse a setseng a di dirile lefatshe ka bophara mme se se dire gore tiro ya gagwe e kgone go bonwa le go bona bareki ka nako. Rre Tshetlhana o ne a tlhalosa fa kgaolo ya Bobirwa e ne e ikaegile ka moepo wa BCL o o sa tlholeng o bereka mme a rotloetsa ba ba setseng ba rutilwe go itirela ka diatla ka lenaneo la thuto-ga-e-golelwe go dirisa kitso e ba e anywileng ya go loga le go betla go dirisa sebaka se go tsosolosa itsholelo ya kgaolo ya bone. Rre Tshetlhana a re letsatsi la go bala le go kwala le dirisiwa go itshekatsheka le go tsosolosa maitlamo a bone a go bona go re setshaba se amogela thuto le go bona tse ba dikgonneng. O rotloeditse bogogi jwa Tobane go rotloetsa morafe go tsenelela lenaneo la thuto ga e golelwe ka e setse e alositse beng ba dikgwebo ba matshelo a bone a tokafetse fela thata. Rre Tshetlhana o tlhalositse fa dipalo tsa baithuti ba ga-e-golelwe mo kgaolong potlana ya Bobirwa di le 357 mo go bone ba le 294 e le bomme a re se se supa fa borre ba santse ba goga dinao mo thutong. Mme Maikano Keonyatse wa Tsetsebjwe o ne a fa bopaki ka fa ga-e-golelwe e mo thusitseng ka teng a tlhalosa fa a ne a ithuta ditiro tsa ka diatla jaaka kapei ya borotho le go roka. Mme Keosenye o tlhalositse fa e rile morago ga go tsena mo thutong ya go apaa borotho a ya go ikopanya le CEDA mme ba atla kopo ya gagwe b abo ba mo neela madi a ka one a kgonneng go reka metshine ya borotho mo e bileng a tsweletse ka kgwebo ya gagwe ya go apaya mefuta e e farologaneng ya borotho. Mme Keosenye o rotloeditse ba ba saletseng kwa morago go ikopanya le ga-e-golelwe ka e ka ba ntsha mo lehumeng le go fokotsa letlhoko la ditiro. BOKHUTLO education 4 Mmelaelwa ga ipona molato Monna yo o tlholegang kwa Hunhukwe mo kgotlaneng ya Ganare kwa kgaolong ya Kgalagadi Bokone ga aa ipona molato mo tshekong ya bogodu jwa leruo. Mmelaelwa, Rre Justice Mokgothu, wa dingwaga tse di masome mane le bosupa, yo o tumileng thata ka leina la ‘Buru’, o ne a itshupile fa pele ga lekgotla la Setswana kwa Ghanzi Lwetse a tlhola gatlhano go arabela molato o le mongwe wa bogodu jwa leruo. Go ya ka dintlha tsa kgang, mmelaelwa o ne a tshuba kgongwana e tuba, a bo a senya le letshwao la yone kwa Kacgae, a dira jalo ka maikaelo a go e amoga mong wa yone. Mosekisi Inspector Ramokowe Phalaagae a re ba bosekisi ba tlaa bitsa basupi ba le bane go rurifatsa kgetse ya bone. Mothusa Kgosi ya Ghanzi, Mme Annah Rankho, yo kgetsi e e leng fa pele ga gagwe, o gakolotse mmelaelwa go tla ka basupi ba gagwe, fa ba le teng. Tsheko e tlaa tswelela kgwedi eno e le lesome le borataro. crime_law_and_justice 1 Go baakanyetsa temo go tsisa maduo a mantle Mookamedi wa dijalo mo lephateng la temo thuo o gakolotse balemi go kabakanya temo go katolosa kgwebo ya bone. Rre Galeitsiwe Ramokapane o buile seo kwa ketelong ya masimo a Maiswe kwa Bobonong bosheng. A re balemi ba tshwanetse go baakanyetsa temo go sa le gale ka go baakanya tshotlhe tse di tlhokegang. A re temo e fetogile ka ke kgwebo, mme balemi ba tshwanetse go itse gore pele ga ba lema ba rekisetsa mang thobo ya bone. A re ba tshwanetse go dira ditumalano le marekisetso a tshwana le Seedco, Food Botswana le Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) pele ga ba simolola temo gore ba itse gore thobo ya bone e tla felela kae ka ba sa tshwanela go tlhoka kwa ba ka rekisang teng. Tiro e ya go etela masimo e ne e tshwaretswe kwa tshimong ya ga Rre Tshekgane Ramosamo kwa masimong a Maiswe yo o lemileng diekere tsa mabele di le 55, tsa mmidi di le 19, tsa ditoo di le 10 mme a setse a dirile thulaganyo le ba BAMB kwa a tla rekisang thobo ya gagwe teng. Mookamedi wa lephata le a re kabakanyo ya dijalo e tshwana le ya Lab-Lab le tse dingwe di ka thusa go fokotsa go lebagana le dijalo tse di itsegeng jaaka mabele. Rre Ramokapane o ne a etela masimo a a farologanyeng a borre Rannana Seate, Otathusa Paya, Lesole Maruatona le a ga Ramosamo mme a kgotlhatsa fa balemi e le bone bamaitsaanape b aba tona mo temong ka e dirwa ke bone. A re balemi ba tshwanetse go tsaya fela dikgakolo mo balemising a re temo e e dirilweng sentle e nale dipoelo gammogo le thobo e e busetsang ka go dira tse di latelang; go baakanya mmu ka nako e e tshwanetseng, le go jala dijalo tse di netefaditsweng gammogo le go tlhokomela masimo a bone ka nako tshotlhe. Fa a ama ditlhwatlhwa a re di laolwa ke mabaka a mmaraka ka jalo go le botlhokwa gore ba dire ditlhopha tse bat la ipuelelang ka tsone ka nako ya motho go ikemela ka nosi e fetile. O lebogetse maiteko a balemi ba Bobonong mme a supa fa thuto e santse e tlhokega thata. A re dipalo di supa fa go lemilwe diekere di le 4000 ke balemi ba 400 mme diekere di le 1000 di lemilwe ka ditselana. O kaile fa puso e dirisa madi a mantsi go direla balemi temo a supa fa molemi yo o lemelwang diekere di le tlhano go dirisiwa P16 000, fa yo o fa gare go dirisiwa P110 000 fa molemi yo mogolwane go dirisiwa P320 000. Rre Ramokapane o kopile balemi go emisa go jesetsa letlhaka mo masimong a re letlhaka le tshwanetse go jesediwa kwa masakeng eseng mo ditshimong ka go dira jalo go kgotela tshimo. O rotloeditse banana go tsaya karolo mo temong a supa fa banana ba kgaolo ya Tonota botlhaba ba gatetse pele ka ba inaakantse le temo. Fa a tswa la gagwe molemi yo o neng go tshwaretswe tiro kwa tshimong ya gagwe rre Ramosamo a re o itumedisiwa ke gore barekise ba didiriswa ba tshwana le ba Haskings ba na le didirisiwa tse di tshwanetseng balemi ba ba botlana. Rre Ramosano a re o tshwengwa ke gore balemi bangwe ba lemela madi a ISPAAD fela ga ba batle go itshetsa. Fa mokhanselara wa kgaolo ya Bobonong Bophirima Rre Power Moupi a supile fa kafa Babirwa ba tsayang tema ka teng ba sup aba nale bokgoni ja go itirela dijo. Rre Moupi a re sebe sa phiri ke gore ga gona ditsela tse di yang masimong. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Go iketse seemo sa botsogo go a thusa Mogolwane wa Independent Counceling Advisory Services (ICAS), Dr Onnalethata Johnson, o gakolotse banni ba Mopipi ga mmogo le bareki ba moepo wa Karowe go fetola kafa bantseng ba tshela ka teng, mme ba itlhatlhobele malwetseng aa bakiwa ke kafa motho a tshelang ka teng. Dr Johnson o buile jalo kwa moletlong wa botsogo kwa Mopipi o o neng o rulagantswe ke ba moepo wa Karowe ka Matlhatso. A re motho mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaya boikarabelo ja botshelo jwa gagwe, a dira jalo ka go itlhatlhobela malwetsi a a sa alafesegeng jaaka bolwetse jwa sukiri,madi a matona le a mangwe . Dr Johnson a re go botlhokwa gore motho a itse seemo sa gagwe sa botsogo gore a tle a fiwe kalafi go santse gona le nako, le go sale ditaelo tsa ba botsogo morago,atlatsa ka gore ga se gore motho fa a tsenwa ke malwetse a o tlhokafala gone foo ,a re o kgona go tshela lebaka fa o ja dijo tse di siametseng botsogo jwa gago, e bile o tsaya kalafi ya gago sentle, itshidila mmele. O ne gape a re gotshwanetswe ga itebagangwa le botsogo kakaretso e seng jwa mmele fela ,botsogo jwa maikutlo,tiriso ya madi, gonwa bojalo mo go feteletseng, go goga motsoko le tsone di ka baya motho mo diphatseng tsa go tsenwa ke maletse a . Dr Johnson a re motho o tshwanetse a itse seemo sa gagwe sa botsogo gore fa a sena malwetse ape ,a dire tse di tlhokafang go a thipela ,a tlatsa ka gore thibelo e a kgonagala,ka go tshidilo mmelo ,go ja maungo le merogo le dijo tse di nang le moroko o montsi. A re lefatshe leno lene la itebaganya thata le mogare le bolwetse HIV/AIDS go bo go lebalwa ka malwetse a mangwe, a bo a re ratela, atlatsa ka gore fa malwetse a a simolola goanama Batswana ba ne bare ke a mafatshe a a tlhabologileng ,le batho ba ba humileng le bagodi, kante o ne a ama mongwe le mongwe go ya kafa a tshelang ka teng. Dr Johnson a re tlhabologo ke yone e bakileng gore Batswana ba bo basa tlhole ba ja sentle jaaka bogologolo go jewa dijo tsa Setswana,bane ba dumela gore dijo tsa sekgoa di botoka gona le tsa Setswana ,go tsamaiwa ka dikoloi batho basa tlhole ba tsamaya ka dinao jaaka pele. O tsweletse a re re ka tibela malwetse a ka go fokotsa mmele ,mafura, sukiri le letswai , go ja dijo tse di bidisitsweng ka metsi, go fokotsa selekanyo sa bojalwa se batho ba se tsayang ka letsatsi. Mogolwane wa moepo wa Karowe Rre Ewetse Mathaba o ne a tlhalosa fa ba itlamile goisa botsogo kwa setshabeng sa Boteti ka go dira meletlo ya botsogo go isa thuto tsa botso kwa metseng ka gofarologana ba dira jalo ngwaga le ngwaga ,le go nnetefatsa gore babereki ba bone ba itekanetse gore batle ba kgone gontsha maduo mo tirong. Rre Mathaba a re ba dira se ka goba ba kgathala ka setshaba se ba direlang mo go sone,a tlatsa ka gore boitekanelo boisa ko botsogong jo bo siameng, ka jalo ba rotloetsa setshaba go itlhatlhobela malwetse ka go farologana ga one .Le go ba rotloetsa go ja dijo tse disiameng ka e bile ele bone ba lemang dijo tsa Setswana. E rile a fa malebo mokhanselara wa Mopipi Rre Matshwenyego Shaka a akgola ba Moepo wa Karowe go bo ba tla kgapetsakgapetsa mo motseng wa bone ba tsisa dithuto kana dikgakololo tsa botsogo .A re batla sala ba itshidila mmele le go leka go ja sentle. Rre Shaka o ne a kgothatsa banwi ba bojalo go fokotsa dinwo , go tlhogela go goga motsoko ,ga mmogo le go itlhatlhobela malwetse ka go farologana ga one. O bile a kopa ba moepo wa Karowe le kompone ya Minopex go ba rekela koloi ya kokelano. BOKHUTLO health 6 Ba le bane ba tlhokafetse Batho ba le bane ba tlhokafaletse gone foo morago ga gore koloi e ba neng ba tsamaya ka yone ya Mazda 323 e e neng e tswa borwa e ya bokone e thulane le ya Nissan Tida e e neng e tswa bokone e ya borwa ka Labotlhano, dikhilomithara di ka nna lesome go tswa mo tseleng ya A1 mo Palapye. Bapalami ba koloi ya Tida ba le babedi, mokgweetsi le mopalami wa mme ba ne ba ragosediwa kwa kokelong ya Palapye, mme mokgweetsi a fetisediwa kwa Nyangabgwe ka dikgobalo tse di masisi. Go ya ka Assistant Superintendent Motlhokomedi Ponyane, kotsi e e diragatse mo maitseboeng fa dikoloi tse di thulana mme o boletse fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile kotsi eo. Maina a baswi a santse a tshegeditswe go itsise ba masika. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Ditlhabololo ke dikeletso tsa batho Mmatoropo wa pele wa Lobatse, Mme Caroline Lesang, a re ditlhabololo tsa motse di simologa ka dikomiti tsa ditlhabololo, morago di ya khanseleng le kwa palamenteng. E rile a bua kwa pulo semmusong ya dikago tsa kgotla ya Mafhikana kwa Kanye bosheng, Mme Lesang a re morafe ke one o itseng se o se tlhokang go na le makhanselara le mapalamente ke sone se go leng botlhokwa gore e nne bone ba supang gore ba tlhoka eng go feta se sengwe. Mme Lesang a re puso ga e kake ya kgona e le nosi e tlhoka kemo nokeng ya morafe jalo o kopile morafe gore o seka wa fela pelo fa komiti ya VDC e bitsa diphuthego gonne ke yone palamente ya motse. A re ba tla a bo ba ntse ba le teng ka dinako tsotlhe go thusa fa go tlhokegang teng. O lebogile ba khansele ya Borwa ka a re ba nnile le seabe mo ditlhabololong tse ka lenaneo la Ipelegeng mme a ba rotloetsa go tswelela ka go thusa fela jaaka ba dirile. Mme Lesang o kopile mokhanselara Rre Chabalala go ema VDC nokeng le gone go tsena diphuthego tsa bone ka dinako tsotlhe a ba abela P2 000 mme a ba kgothatsa gore ba seka ba felela fela fa ba dirileng teng. Fa a ntsha la gagwe, Kgosana Gaofenngwe Bome o boletse gore khansele ya Borwa ka boeteledipele jwa modulasetilo wa pele Rre Tlhomelang e kgonne go aga mmolo. Mokhanselara wa Mafhikana Rre Thamiso Chabalala a re o tsile go tsosolosa mowa wa boipelego a bo a kopa batsadi go emela thuto ya bana ba bone ka dinao, a bolela fa bana bangwe ba retelelwa ke dithuto ntswa ba na le ditlhaloganyo tsa go ka fenya. Rre Chabalala a re go lemotshegile fa bana ba kgorelediwa ke go kopana le dikgwetlho tsa botshelo tse di ba fetileng. Leloko la komiti ya VDC, Rre Kagiso Moleti o boletse fa go ne go le thata go aga dikago tse ka ba ne ba sena madi. A re ba ne ba kopa thuso kwa khanseleng mme ba lopiwa go ntsha sephatlo gore khansele le yone e ntshe sephatlo se sengwe. A re ba ne ba tsena motse le motsana ba kopa dithuso mme ka thata ya Modimo ba kgona go di bona mo dikomponeng le mo bathong ka bongwe ka bongwe. BOKHUTLO society 9 Bakgatla ba na le boikarabelo Mopalamente wa Kgatleng Bophirima, Rre Gilbert Mangole o akgoletse Bakgatla go bo ba ikwadiseditse ditlhopho. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla bosheng, Mopalamente Mangole o tlhaloseditse Bakgatla fa ba dirile go gaisa ka 2014. A re Kgatleng e ne e le mo maemong a bobedi mo ikwadisong ya bobedi, mme o dumela fa ya boraro e sa tswa go fela Bakgatla ba santse ba tshegeditse maemo ao. Rre Mangole o tlhaloseditse setshaba fa go ikwadisetsa ditlhopho go le botlhokwa, ka go fa setshaba sebaka sa go itlhophela yo e ka nnang mmueledi wa bone kwa palamente le mo gae. A re go nna Mopalamente ke go nna mmueledi wa setshaba, e seng go nna morongwa, a tlatsa ka go re morongwa o isa thomo, mme tshwetso e tsewa ke yo a mo rumileng, fa mmueledi e le yo o isang thomo mme a kgona go tsaya tshwetso a bo a tlhalosa kwa morago gore ka goreng a tsere tshwetso eo. Mopalamente Mangole a re go gontsi mo setshaba se ka go ithutang ka ikwadisetso ditlhopho, mme o lebogela gore Bakgatla ba supile boikarabelo ka bokamoso jwa bone. O ba rotloeditse gore fa kgwedi ya ditlhopho e goroga, ba ikatametse kwa matlhophelong ka nako, gore ba tlhophe ka dipalo tse di kwa godimo tse ba ikwadisitseng ka tsone. Fa a tswelela ka tse dingwe, Rre Mangole o tlhalositse fa ba tsere tshwetso ya go aga leobo la Mochudi, ka ke lone pinagare ya kgaolo ya Kgatleng, mme go utlwisa botlhoko go amogela baeng mo ditanteng. A re ba kopane le makhanselara le dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse gore bontlha bongwe jwa madi a dikgaolo tsa botlhophi a thuse mo go ageng leobo la kgotla. O kopile tshwaragano mo kagong ya leobo, a tlatsa ka go re go amogana madi a dikgaolo ka dikgaolo tsotlhe tsa botlhophi, go dira gore ditlhabololo di nne bonya, mme ba dumalane go a dirisa mo tirong e tona gore go nne le maduo. A re dikgaolo tse dingwe tsa botlhophi di setse di tlhabologile, mme a kopa gore mabala a motse a tlhabololwe, a godisiwe a kgone go tsisa ditlhabololo mo kgaolong. Kgosi Bana Sekai o lebogile Mopalamente ka kgang ya leobo ka le ene a tshwenyegile mo moweng. A re bangwe ba bua dipuo tse dintsi, mme fa go ka tlogelwa dipuo tseo ga agwa leobo di tlaa tla di rarabololwa mo leobong. Kgosi Sekai a re go tlhoka leobo ga go fe bogosi gammogo le morafe seriti, ka ga go na fa go kopanelwang teng go buiwa tsa motse. Fa a latlhela la gagwe, Rre Moilwe Tlhase o tlhalositse fa a lebogela mafoko a kgotla mme e bile a gatelela gore a kgotla e agwe. A re kgotla ke yone palamente ya motse, ditshwetso tsotlhe di tsewa kwa go yone le megopolo yotlhe e agelwa teng mme e tshwanetse go nna le seriti. Rre Luka Lekorwe o kopile gore mephato e kopane ka go tlhatlologana ga yone, ba thuse go kokoanya madi a leobo ka le le botlhokwa. O rotloeditse setshaba go thusa ka se ba se kgonang ba sa lebe dikgwetlho tsa bone ka tsone ga di ke di fela mme botshelo bo tswelela pele. politics 7 Tsamaya o lela ka letlhoko la metsi Kgosi wa Tsamaya, Rre Fordson Sigwele, a re seemo sa letlhoko la metsi kwa motseng wa gagwe se ngomola pelo ka ba kgona go fetsa dibeke go sena thothi. Mo potsolotsong bosheng, Rre Sigwele o supile fa kgaogo ya metsi e le selo modiro. A re khamphane ya metsi e ka bo bogolo e dira lenaneo la go itsisi banni ka kgaogo ya metsi mo maranyaneng kana ba romela melaetsa jaaka go dirwa mo mafelong mangwe. Rre Sigwele a re mo nakong ya gompieno ba emetse di tanka tse di beelang metsi (Jojo) tse tharo tse ba di kopileng ka lenaneo la madi a ditlhabololo a dikgaolo. O tsweletse ka go tlhalosa fa nako tse dingwe metsi a bone a bulelwa bosigo go robetswe ka jalo go ba patika gore ba lale ba aga metsi bosigo. A re go segofetse bao ba ba nang le ditanka tse ditona tse di beelang metsi mo malwapeng ka a kgona go ba goga lobakanyana fa metsi a sa tswe mo dipompong. Rre Sigwele a re le ntswa banni ba bolawa ke lenyora o itumelela gore letamo la motse lone le tletse ebile leruo la bone le tla dika le akotse. A re le ba ba lemileng ditshingwana tsa merogo ba tla dika ba bone metsi a a nosetsang gotlhe le ba ba agang. O tlhalositse fa letamo le le ba tsenyetsa madi ka ba kgona go rekisetsa khansele ya Bokone Botlhaba metsi fa ba dira dikago mo metseng e mabapi. Rra maranyane wa khamphane ya metsi kwa kgaolong ya Bokone, Rre Tawana Chilume o tlhalositse fa lenaneno la kgokelo ya metsi la kgaolo ya Bokone Botlhaba e kopane le kgaolo ya Tutume le tla simolola bo bogaufing. A re ka lenaneo le, khamphane e tla tlhabolola maranyane a kgokelo ya metsi go tlhomamisa gore metsi a goroga mo metseng yotlhe ka ebile puso e adimile P250 million kwa World Bank go diragatsa maitlamo a. O tlhalositse gore mo nakong ya gompieno, kgaogo ya metsi e bakwa ke gore di pompo tse di rwalang metsi ga di kgone bokete jwa metsi aa tswang kwa letamong la Ntimbale ka jalo go baka gore khamphane e fokotse sekale sa metsi. Rre Chilume o tlhalositse fa khamphane e itse ka tlhaelo ya metsi mo metseng ee mo kgaolong ya Tati Botlhaba se ele ka ntlha ya gore maranyane ga a kgone go pompela metsi mo metseng e ka gore e kwa godimo. society 9 Go kopa boagedi go tswa goo lowe Batswana ba tswa kgakala ba ikopela boagedi mo metseng e mengwe mme ba ne ba dira jalo ka go tla ka lekwalo le le tswang kwa kgosing ya moikopedi a le isa kwa kgosing ya motse o a batlang go nna moagedi teng. Mafoko a, a boletswe bosheng ke kgosikgolo ya Batlokwa Kgosi Puso kwa phuthegong e a neng a e tshwere kwa kgotleng ya Sefoke kwa motseng wa Tlokweng. A re ka thulaganyo e, kgosi ya motse o moagedi a ikopelang go aga mo go one, o ne a mo fa kgotlana e a tla a agang mo go yone, selo se se neng se dira gore baagedi ba nne le boitshwaro jo bontle. Kgosi Puso o boletse fa pharologanyo ele gore mo sesheng, baikopedi ba kwalela kwa lekgotleng la kabo ditsha ka jaana dikgosi di sena seabe mo tsamaisong ya lefatshe. O kopile banni ba kgotla ya Sefoke go tsena diphuthego tsa kgotla le go thusa go lwantsha borukutlhi, a supa fa jaanong ba tsewa e le Batlokwa ka jaana ba agile mo motseng oo. Fa a ba lekodisa ka tse dingwe, Kgosi Puso o boletse fa ba kgonne go tsaya lebala la bone la morafe ka fa tlase ga lekgotla la Batlokwa Development Trust mme ba ikaelela go le tlhabolola ka go le jwala motlho le gone go dira meriti ya fa balatedi ba nnang teng. Kgosi o tlhalositse fa a eletsa go bona Batlokwa ba na le setlhopha se le sengwe se se tshamekang mo leking e kgolwane. Mo go tse dingwe, Kgosi Puso o boletse fa ba le mo dipuisanong le maphata a puso a a farologaneng go leka go bona gore a ba ka se busetse terata e e thibelang leruo go tsena mo toropong ya Gaborone. O tsweletse a bolela fa a tla a bitsa phuthego ya kgotla go lekodisa Batlokwa ka katlholo ya kgotlakgolo mabapi le ditsha tse 285. Kgosi o boletse gore e rile bosheng ba etelwa ke mothusa tautona go lekola masimo a bone mme a akgola Batlokwa gore ba ne ba itekile ba lema monongwaga le fa bangwe ba ne ba sa tlhagola, a bo a kopa ba ba sa remang masimo a bone go leka go a rema. Fa ba ntsha la bone, Batlokwa ba tlhalositse fa ba ka leboga thata fa terata e e kganelang leruo e ka tsenngwa ka e ka fedisa tlhoka kutlwisisano ya bone le khansele ya Gaborone. Ba boletse fa ba tshwenngwa ke dikoloi tse di tabogang ka lebelo le le feteletseng mo tseleng ya Tlokweng/Zeerust, ba bo ba kopa gore tsela eo e tsenngwe ditotoma gore bakgweetsi ba fokotse lebelo. Ba ngongoregile ka dikereke dingwe tse di latlhelang dibeela di tshwana le diaparo tsa ka kwa teng gammogo le dikerese tse di tshubilweng mo motseng wa bone. BOKHUTLO society 9 Ba Mogate ba tlhoma kgosana Kgosana wa kgotla ya Mogate kwa Serowe, Mme Sebopiwa Disang o tlhomilwe go nna kgosana ya kgotla eo kgwedi eno e tlhola malatsi a le mararo. Fa a bua kwa moletlong oo mothusa tautona wa pele, Lt Gen. Mompati Merafhe, a re kgosi ke kgosi ka batho e bile kgosi ke thotobolo go latlhelwa tse dintle le tse di maswe mo go yone mme e baakanye. Lt Gen. Merafhe a re kgosi e atlhola ka kelotlhoko e sa sokamele ntlha e le nngwe fela ka go dira jalo go aga morafe wa gagwe. O ne a mo gakolola go dirisanya le bo rangwanaagwe gore ba mo gakolole le go mo thusa mo tirong ya go goga morafe. A re bogosi jwa gompieno ke go dira ditlhabololo le go aga setshaba, e bile o ne a mo rotloetsa go dira thata le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ka maemo a gagwe go bona gore kgotla ya gagwe e tswelela pele. A re go dira ka boikgapo le boineelo go botlhokwa mo tirong ya segosi. Lt Gen Merafhe a re jaaka motshereganyi wa morafe o ya go kopana le batho ba mefuta e e farologaneng mme ke tshwanelo ya gagwe go tlhotlha mafoko a a siameng le go dira tiro ya gagwe ka manontlhotlho. O mo kgothaditse go dirisanya le kgosi kgolo ya ga mmaNgwato ka fa a gogela go sele o ka latlha morafe wa gagwe. Dibui ebong borangwanaagwe le bo malomaagwe ba mo kgothaditse go dira ka botlhale le boingotlo ka bogosi bo batla motho yo o dirang tiro eo ka bongwefela jwa pelo e bile a sa ntshe ope ka leso legolo. Ba mo gakolotse go nna podi matseba mo go ba ba ratang go bua ka ba bangwe, le ba ba sebang gore a seka a ba reetsa ka seo se ka tsala letlhoo fa gare ga morafe wa gagwe. Ba re kgosi e a sebiwa mme o nna fela a tlhamaletse mo bogosing jwa gagwe a sa kgaoganye morafe e bile a ba rata botlhe. E rile a leboga kgosi Disang a leboga botsadi, a supa fa a tla dirafatsa ditopo le dikgakololo tsa bone. Go boletswe fa rragwe kgosi e ne e le kgosi ya kgotlana eo botshelong jwa gagwe. politics 7 ‘Thusang mapodisi go lwantsha ditagi’ Banni ba kgotlana ya Dilaelene 2 kwa Mahalapye, ba kopilwe go thusa mapodisi go lwantsha ditagi tse di rekisiwa mo malwapeng. Mopalamete wa Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefe a re le fa mapodisi ba dira maiteko a go laola seemo se, batsadi bangwe ba tsweletse ka go loga maano a go rekisa ditagi mme maiteko a sepodise a fetoge lefela. Rre Molefe o ntshitse kopo eo, kwa phuthegong ya kgotla bosheng a re tiriso ya ditagi e tlhoka tshwaragano ya mapodisi le batsadi. A re go a tshwenya go bona malwapa mangwe a fetogile mafelo a go jelwang ditagi teng mme beng ba o ne ba sa bone go le molato fa manwe o ne e le marekisetso a ditagi. A re boikarabelo jwa batsadi ke go tlhokomela bana e seng go ba senyetsa matshelo ka go ba rekisetsa ditagi. Rre Molefe o rotloeditse batsadi go ela thoko diphetogo mo boitshwarong jwa bana a re dingwe tsa tsone ke dikai tsa gore ba dirisa ditagi a re sepe se se belaetsang ka boitshwaro jwa ngwana se tshwanetse sa tlhotlhomisiwa. Mopalamente a re molao o teng, mme batsadi ba ba tsweletseng ka go rekisa ditagi ba tlaa tseelwa dikgato. A re ba ba fetotseng malwapa a bone go nna mafelo a go jelwang ditagi teng le bone ba tlaa otlhaiwa. Mopalamente Molefe a re mapodisi ga ba kake ba kgona go lwantsha borukuthi ba sa thusiwe ke morafe ka o tshwanetse wa nna le seabe go kganela ditagi go tsena mo Botswana. O gakolotse bakgweetsi go ela thoko dithoto tse ba di pegang go itsa go iphitlhela ba tshwerwe ka mephuthelwana ya ditagi tse le bone di tlaa ba tsenyang mo molatong a re bangwe ke ba ba romiwang ke barekisi go isa ditagi kwa bareking ba tsone. “Ke lo rotloetsa gore lo seka lwa anama le ditagi ka tsela epe fela mo matshelong a lona,” Rre Molefhe a kopa. Batsadi le bone, ba supile fa ba tshwenyegile thata ka gore bana ba felela ba tlogela dikole ba inaakanya le ditagi. Ba supile gape gore barutabana le bone ba tshwenngwa ke bana ba ba tlhorontshang ba bangwe kwa dikoleng ba sena go ja ditagi le maduo a a welang tlase gammogo le go tlhoka botho mo setshabeng. Mogolwane wa mapodisi kwa Mahalapye, Rre Isaac Mamadi o supile fa tiriso le thekiso ya ditagi di tshwenya kwa Mahalapye. Rre Mamadi a re go botlhokwa gore morafe o tshwaragane le mapodisi go lwantsha seemo se. crime_law_and_justice 1 Banni ba lela ka tiego ya phimolo dikeledi Banni ba metsi ya Rakops Khumaga kwa kgaolong potlana ya Boteti ba lela ka tiego ya dituelo tsa phimolo dikeledi fa leruo la bone le jelwe ke diphologolo. Banni ba ntshitse selelo se sa bone kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa boteti Bophirima yo gape e leng Tona wa Dikgaolo le tlhabololo Magae, Rre Slumber Tsogwane kwa metseng eo bosheng. Banni ba ne ba supa fa ba lephata la diphologolo makgabisa naga ba tsaya sebaka go ba philola dikeledi fa leruo la bone le jelwe ke diphologolo,atlatsa ka gore gape ga ba tsibogele dipego tsa bone selo se ba reng se dira gore fa gongwe bosupi bo felele bo senyegile. Banni ba bile ba supa faba thorontshiwa ke ditluo tse di ba jelang mo masimong ,bare di dikele di ba jetse masimo,mme le gompieno di setse di simolotse go ba senyetsa. E rile a araba matshwenyego a bone mogolwane wa lephata la diphologolo makgabisa naga Rre Mmoloki Kepaletswe a tlhalosa fa mabaka a a dirang gore ba ne maoto a tshupa go tsibogela dipego tsa barui ele tlhaelo ya bodiredi mmgo le dikoloi. Rre Kepaletswe a re gobo ba saletse ko morago mo go phimoleng balemi barui dikeledi ke gore madi a baneng ba file ane a fela ,ka lebaka la dikoketso tsa dituelo tsa phimolo dikeledi.o ba tlhaloseditse gore lebaka legolo le le dirang gore diphologolo di ba senyetse ke go senyega ga terata. Rre Kepaletswe o ne a ba gakolola gore ba boloke bosupi fa ba jetswe ,a re ga ba duele go sena bosupi,atlatsa ka gore ba seka ba ja leruo lele bolailweng ke diphologolo.O ne a tswelela a ba gakolola go tlhokomela leruo la bone ka go le thathela.O supile fa paakanyo ya terata ele mo lenanaeo la go simololwa ,a bolela fa ba eme ka bone gore ba supe fa ba batla terata e tsamaya teng . Mogo tse dingwe bane ba supa fa ba tshwengwa ke go tlhoka go ja polase ga leruo la bone, mo bareng go ba kgoreletsa go ba rekisa leruo .Ba bile ba supa koporase ya metsi ka monwana bare e palelwa ke go ba siela metsi e bile ga ba rerise setshaba fa gona le mathata a metsi Modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Rakops Mme Bashingi Boingotlo o ne a begela mophalamente megopolo ya bone ,a re ba batla lebala la difofane,kgopo ya ditsela tse di fagare ga motse,ofisi ya poso,borogo,ofisi ya molemisi,ba kopa go okeletswa dipalo tsa ipelegeng. Mothusa modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Khumaga Mme Kesebelwang Goratwang, ene o supile fa ba nale madi akana ka P23 000 mo letloleng ,ba kolotiwang P2 500, matlhoko a bone ele boroka jwa barutabana,motlakase kwa sekoleng,go wediwa ga lerako la kgotla ,go atswiwa ga dikgosana tsa tetanyo. Mopalamente one a ba lekodisa ka tse di neng tsa buiwa ko palamenteng ,go ntshiwa ga lekgetho mo dijong le didiriwa tsa temo,molawa wa kwadiso ya dikereke, o ka o ne go akantsweng gore palo ee ntseng e dirisiwa ya go kwadisa kereke ka maloko a e lesome e okediwe gona makgolo a mabedi le masome a matlhano go leka go fokotsa seemo sa go runya ga dikereke . O tsweletse a ba lekodisa ka go atolosiwa ga lenaneo la ditlhabololo NDP10 le areng le atolositswe ka ngwaga ,gore le ye go wela le tebelopele ya lefatshe leno, NDP11 lone e bo le simolola le tebelopele e ncha le lenaneo la gore bana ba seka ba kgoreletso go tswelela le dithuto ,ba ganelwa ka ditlankana tebang le dikoloto tsa sekolo,a re kgang ke gore bana ba neelwe ditlankana tsa bone ,sekoloto ke kgang ya batsadi le sekole. Mopalamente o ne a re baya go itebaganya go lwantsha HIV/AIDS,thuto, letlhoko la ditiro ,nyeletso lehuma ,go lwantsha tshenyetso sechaba.o ile a ba kgothatsa gore ba seka ba tlhoboga pula ba tswelele ka go baya ditemanyane. Banni bane ba atla dikgang tse Mopalamente a neng a di ba rolela ba re ,le bone kgang ya dikereke e ba tshwentse bangwe e bile a supa fa palo e e akantsweng le yone ele ko tlase society 9 Jacobs o ikanya thuto E le ruri thuto ke boswa jo ope a ka se keng a bo tsaya mo mothong yo mongwe. Mafoko a ke a a builweng ke Rre Giel Jacobs, moithuti mo sekoleng sa thuto-ga-e-golelwe kwa Tsabong mo potsolotsong bosheng. Rre Jacobs yo o dingwaga tse di masome a mane le bosupa yo o tlholegang kwa Gakhibane mo Kgalagadi o supile fa go sena sepe se a se itumelelang mo botshelong jwa gagwe go gaisa go ithuta go bala le go kwala. E re ka bogologolo Motswana a ne a ikaegile ka temo le thuo, Rre Jacobs a re o ne a tlogela sekole a dira lekwalo la bone. “Go tlogela sekole o ne a ya go tlhokomela leruo go sena mathata ape jaanong diemo tsa botshelo di fetogile ke ka moo ke neng ka tsaya kgato ya go boela sekoleng ka ngwaga wa 2011,” go kaile jalo Rre Jacobs. Go boela sekoleng, go ya ka Rre Jacobs, ke kgatelopele e e seng kana ka sepe, e bile a re o ikemiseditse go tswelela le dithuto tsa gagwe go ya go ileng. O tlhalositse fa a rutiwa dipalo, puo ya Setswana le sekgoa mme ene tsa gagwe tsa mmamoratwa e le sekgoa le dipalo. A reba rutwa gape le melodi ya dinnoto mme seo se mo itumedise ka ba fiwa sebaka sa go lapolosa tlhaloganyo le gone go itsane botoka ene le baithuti ka ene. Rre Jacobs a re dithuto tsa thuto-ga-e-golelwe di botlhokwa ka di bula bagolo matlho le gone go ba fa seriti sa gore ga ba kgaphelwe ntle ka tsela epe ka go tlhoka go sa itse go bala le go kwala. A re o ne a fiwa sebaka sa go ithuta sebala makgolo ka thulaganyo ya Sesigo e e fitlhelwang kwa metlobong ya dibuka ka thotloetso ya lephata la banana, metshameko le ngwao. Rre Jacobs a re malatsi a gompieno go a tlhokafala gore mongwe le mongwe a bo a ka kgona go ipalela le gone go kwala tota. “Ke kgona go ipalela e bile ke itse dinomore tsa karata ya me ya Omang ka tlhogo,” go buile jalo Rre Jacobs. Fa a tswa la gagwe morutabana wa ga RRe Jacobs Mme Lorraine Gaelesiwe o kaile fa a simolotse go mo ruta ka ngwaga wa 2011 mme e le moithuti yo o tlhaga thata. Mme Gaelesiwe o supile fa seo se mo itumedisa thata ka gantsi bontsi jwa nako borre ba le maoto a tshupa go tsena sekole. education 4 Dikomiti tsa motse di diretswe molao Mookamedi wa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse kwa Moshupa, Rre Elliot Sebikiri o boletse fa dikomiti tsa dithabololo tsa metse di tsamaisiwa ka molao. E rile a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Moshupa Bophirima bosheng, Rre Sebikiri a bolela fa tsamaiso e e ntseng e le teng e ne e le lolea gape dikomiti dingwe tsa ditlhabololo di se ka fa molaong. Rre Sebikiri a re molao oo o tlaa simolodisiwa monongwaga. O supile fa go tlaa nna le diphetogo fale le fale jaaka go tlaa bo go dirisiwa fomo go ikopela boloko. O tlhalositse gape fa go tlaa nna le maloko a le lesome mo komiting a a itlhophetsweng mme a rurifadiwe ke khansele. A re batho ba go nna jalo ba tshwanetse ba bo ba itse go bala le go kwala, ba le dingwaga tse di lesome le boferabobedi e bile e le Batswana. A re maloko a tlaa tsaya dingwaga tse tharo eseng tse pedi. Rre Sebikiri a re motho yo o kileng a nna le molato wa borukutlhi ga a letlelelwe go nna leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse. O tlhalositse fa khansele e ka ntsha motho mo bolokong fa a sa tsene bokopano jwa maloko gararo ka go tlhomagana, fa a sa itekanela sentle go dira ditiro tsa komiti, kana a sa itekanela sentle mo tlhaloganyong mme go rurifaditswe ke ba bongaka. Rre Sebikiri o tlhalositse gore molao wa re motho fa a batla go tlogela boloko o ka ntsha mokwalo wa go tlogela mo sebakeng sa kgwedi mme motho yo o ka se boe a ikopele boloko komiti eo e santse e le teng. E rile fa a tswa la gagwe, mongwe yo o neng a tsene phuthego, Rre Dithapelo Mathibidi, o ikuetse gore e re fa go tlhophiwa maloko, go tlhophiwe bangwe ba ba itseng go bala le go kwala gore ba kgone go tswa ka mananeo a a ka tlhabololang metse.E rile fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa kgaolo ya Moshupa Bophirima, Rre Thompson Sethibe, a tlhalosa fa ba amogela molao wa dikomiti tsa ditlhabololo ka oo mabedi. O ne a bua a sa kgwe mathe ka dikomiti tse di maoto a tshupa, a re komiti ya ditlhabololo tsa motse e tshwanetse go bereka ka tlhaga gore go nne le neelano le boiteledipele jo bongwe jaaka mokhanselara le mopalamente. Bokhutlo politics 7 Pilikwe le Mhalapitsa ba ngongorega ka ba kabo ditsha Ba supile ba lephata la kabo ditsha la Sefhare ka monwana ba re go na le madiadia a ba sa itseng se se a bakang. E rile ba itekodisa mopalamente, Dr Kesitegile Gobotswang, banni ba tlhalosa fa ditsha tsa metse, masimo le dikgwebo di eme tsi! Kgosi Gasebalwe Seretse wa Pilikwe a re e setse e le ngwaga wa botlhano ba sa bewe ditsha, a re fa ba latedisa dikgang tse, ba tlhalosediwa fa seo se bakwa ke tiego ya mealo ya lefatshe. A re tiego eo, e dia metse go gola, go tlhabologa le gone go letla banana go simolola dikgwebo tse di neng di ka ba tshetsa tsa lenaneo la YDF. A re ka ba le mo tshekamelong ya Palapye ba eletsa go ipona ba godile fela jaaka metse e e akolang ditlhabologo tsa metse e e golang jaaka Palapye. O supile fa ba lekgotla la kabo ditsha ba sena morero le dikgosi tsa metse e ba bayang mo go yone, seo se bo se dira gore ba felele ba tlhatlaganya dipeo. Rre Seretse o kopile mopalamente go ba lebalebisa baitseanape ba ba ka thusang ka mealo, go ipaakanyetsa go gola ga ditlhabololo tsa Pilikwe, gore le bone ba kgone go akola tshologelo ya babeeletsi ba dikgwebo tse di ka godisang tsa bo tsa tlhabolola motse go tshwana le boTlokweng. Kgosi Seretse o buile gape ka tsela ya Pilikwe-Radisele, ofisi ya sepodisi, dikago tse di onetseng tsa sekole se segolwane sa Radisele, le gore gongwe nako e tsile ya go agelwe sekole se segolo mo kgaolong, a re gape ba tlhokana le sekole sa ithutelo tiro ya diatla. A re ba tshwentswe ke dituelo tsa metsi tse di kwa godimo, tse ba koporase ya metsi ba sa kgoneng go tlhalosa gore di bakwa ke eng. Kgaogo ya motlakase kgapetsakgapetsa kwa Pilikwe le Mhalapitsa le yone e ne ya supiwa e le setlhabi. Kgosi Seretse o kopile go laolwa ga metsi a pula gore a ye kwa tamong e e ka kgonang go ba nosa le leruo. Banni ba kaile fa bangwe go twe ba duele bo P4 000 mme motho a se na ditlhare kana leruo le le nosiwang mo lapeng. Ba re ba tshoga gore tlaa felela ba kgolelwa metsi. Metse eo ka bobedi e ne ya supa fa e lebogela ditiro tse di weditsweng tsa ditlhabololo ka lenaneo la madi a dikgaolo a P10 million, mme gape ba supa tse ba di tlhokang go tlhabolola metse. Ba re puso e maoto a tshupa go baakanya dikago tsa dikokelwana le dikole, di bo di lopa madi a mantsi fa di setse di tla go baakanngwa. Ba ngongoregetse gape beng ba dikonteraka ba ba tlogelang ba sa wetsa tiro. Dr Gobotswang o ne a itebaganya le tiriso ya madi a dikgaolo, tshekatsheko ya ISPAAD, a bo a supa keletso ya go kopanela dikgang le dikomiti tse di maleba ga mmogo le borara kwa bothokong pele a ka di rola mo kgotleng. A re tlhaelo ya metsi kwa kgaolong ya Sefhare/Rampokgonami e ngomola pelo, mme a re maikaelelo ke gore gongwe go itebaganngwe le kgang ya metsi ka P10 million wa kgaolo go na le go a tsutlaganya. Tsela ya Pilikwe-Radisele a re o ne a latedisa le lephata la dipalamo le ditlhaeletsanyo le le supileng fa mealo le tsotlhe tse di tlhokegang di dirilwe mme go sena madi a go e tsweledisa jaaka gone go akantswe. A re tiego eo le ene e mo tshwentse mme o beile tshepho ya gagwe mo tshekatshekong ya setlha se se fa gare sa madi a puso. Review) gore gongwe sengwe se ka bonala go e tsweledisa. Fa a tsibogela kabo ya lefatshe akanyetsa gore gongwe e re le ajwa go dirwe jaaka kwa Tlokweng go seegelwe fa thoko ditsha tse e leng tsa Batlokwa fela. society 9 Tona o kopa banana go bula dikgwebo Tona wa Lephata la Banana, Metshameko le Ngwao, Rre Shaw Kgathi o kopile banana go dirisa sebaka se ba se filweng ke puso go tsena mananeo a go itshetsa ka go ipulela dikgwebo. O buile jalo kwa diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Maunatlala le Seolwane bosheng.A re ba lemogile fa bontsi jwa banana mo dikgaolong dingwe ba sa tsibogele mananeo a ba a diretsweng a go ipulela dikgwebo. O boletse fa puso e ntshitse madi a selekanyo sa didikadike di le pedi go dirisiwa ke banana ba kgaolo ya Tswapong bokone. O tlhalositse fa monana yo o nang le kgatlhego ya go bula kgwebo a ka fiwa madi a selekanyo sa P100 000 mme mo mading ao, a bo a ka busa fela P50 000. Tona Kgathi a re go utlwisa botlhoko ka fa banana ba tsibogelang mananeo a bone a itshetso ka ba se na mabaka ape a a utlwalang, a a ba kgoreletsang. O tlhalositse fa dipampiri tse di tladiwang ke banana fa ba ikopela go bula dikgwebo, di le motlhofo ka di kgona go tlatswa ke monana mongwe le mongwe. A re se monana a tshwanelwang ke go se dira ke go akanya gore kgwebo o ka dira efe e a ka thusiwang ka madi a go e bula. Rre Kgathi o ntshitse matshwenyego a gore go na le banana bangwe ba ba nang le keletso le bokgoni jwa go ka bula dikgwebo mme ba bereka mo lenaneong la Ipelegeng ntswa lenaneo le e se la sennelaruri. Ka jalo Rre Kgathi, yo e bileng e le mopalamente wa Bobirwa, o ne a rotloetsa banana ba ba nang le kgatlhego ya go bula dikgwebo go ikopanya le diofisi tsa banana go ikopela go bula dikgwebo. O ne a kopa ba ofisi ya banana go thusa banana ba ba nang le keletso ya go bula dikgwebo ka botswapelo. Le fa go ntse jalo banana ba ne ba bolela fa ba tsenelela mananeo a bone a go itshetsa mme go na le dilo dingwe tse di tlhokafalang mme di ba kgoba marapo. Ba file dikai tsa go tlhoka ditsha. economy_business_and_finance 3 Batshu o iteela kereke ya Eloyi legofi Tona wa lephata la merero ya setshaba, boagedi le tsa bong, Rre Edwin Batshu o lebogetse kereke ya Eloyi go sala morago molao o o laolang dikereke. Fa a bua ka letsatsi la paseka le le neng le tshwerwe kwa motseng wa Tsetsebjwe bosheng, Rre Batshu o lebogetse seabe sa dikereke mme a tlhalosa fa puso e sa jesiwe diwelang ke dikereke tse di sa obameleng molao oo laolang dikereke. A re puso e tshwenyegile fela thata ka gore dikereke dingwe di ja Batswana ntsoma mme ba sale ba sena sepe se ba ka tshetsang ba malwapa a bone ka sone. Go sireletsa kagiso le thokgamo ya lefatshe, puso e ile ya tsaya tshwetso ya go dupa dibuka tsa dikereke go bona gore a ga di je Batswana ntsoma. A re puso e kopile dikereke go tsisa maina a maloko a bone, a re le fa go ntse jalo ga se dikereke tsotlhe tse di tsisitseng bosupi jwa tsone. A re dikereke tse 1 946 di supile fa di na le maloko a le 681 087, mme a rotloetsa dikereke tse di sa tsisang bosupi jwa tsone go dira jalo. A re puso e tshwentswe gape ke go tlhoka kutlwisisanyo mo dikereng mo go bakang gore dikereke di thubege, mme ba ba amegileng ba bo ba itlhamela tsa bone. A re puso e ile ya tsaya tshwetso ya go oketsa boloko jwa dikereke go tswa mo go lesome go ya kwa go 150. O kopile maloko a dikereke go sala molao motheo wa dikereke tsa bone, ga mmogo le go tlotla boeteledipele jwa bone, mme a rotloetsa dikereke tsa semowa go inaakanya le lekgotla la OAIC le le tsamaisang dikereke tsa sebopego seo. A re puso ya lefatshe leno, e ya go tswelela e beile dikereke leitlho, e le tsela ya go somarela kagiso le thokgamo tse lefatshe leno le itsegeng ka tsone. A re go na le dikereke tse di tlang ka ditumelo tse di kgatlhanong le ngwao le setho sa Batswana, a re dikereke dingwe mo mafatsheng a mabapi di jesa batho dilo tse di sisimosang mmele jaaka dinoga. Rre Batshu a re lephata la gagwe le filwe boikarabelo jwa go kwadisa matsalo, dintsho ga mmogo le ditlhalano. A re lephata la gagwe le tshwenyegile thata ka dipalo tse di golelang pele tsa ditlhalano, a tlhalosa fa dikereke dingwe di thuba malwapa. O rotloeditse setshaba gore ba ba iseng ba tsene mo lenyalong ba ikakanye pele, gore ba kgone ba tlhaloganye gore lenyalo go tewa eng. Mabapi le ofisi ya omang, a re ofisi eo e solofetse dikarata tse dintsi tsa omang go fela monongwaga, ka jalo ba rotloetsa setshaba go shafatsa omang go santse go setse dikgwedi tse thataro go itsa mosuke ko diofising tsa Omang. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa kereke Moruti Sekai Jakoba o lebogetse tona Batshu go etela kereke ya Eloyi. A re kereke ya gagwe e tla tswelela e ema puso nokeng le go tlotla molao o o tsamaisang dikereke. O lebogetse maloko a kereke ya Eloyi go bo ba ile ba kgona go tla pasekeng kwa Tsetsebjwe kwa ba kopanelang teng nako le nako ka nako ya paseka. religion_and_belief 8 Tsibogelang letshololo mo baneng - modulasetilo Modulasetilo wa komiti ya botsogo kwa Kudumatse, Mme Ketsietswe Kootswetse o gakolotse batsadi go potlakela ba bongaka fa ngwana a na le letshololo, ka se se ka dibela dintsho tse di bakwang ke letshololo mo maseeng. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Kootswetse a tlhalosa gore bolwetse jwa letshololo ke bongwe jwa malwetse a a tlwaelesegileng mo lefatsheng ka bophara, e bile bolwetse jo ke bongwe jwa malwetse a a tsweletseng ka go gapa matshelo a bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano. A re fa ngwana a tlhokafala a bolawa ke letshololo o a bo a latlhegetswe ke metsi le matswai mo mmeleng, ka jalo batsadi ba tshwanetse go tsiboga fa ngwana a simolola go tsholola. Mme Kootswetse a re kalafi ya letshololo e teng mo dikokelong, sebe sa phiri ke gore batsadi ba maoto a tshupa go tsibogela bolwetse, a tlatsa ka go re bangwe ba epa ditlhare tsa Setswana go siela ngwana, a supa seo gore se ka se thuse sepe. A re motswako wa letshololo o teng go alafa ba ba amilweng ke letshololo ka o busetsa metsi le matswai mo mmeleng. “Ba kokelo gangwe le gape ba abela bangwana pilisi e e emisang letshololo e e bidiwang Zinc Sulphate, pilisi eo e botlhokwa fela,” a tlhalosa. Le fa go ntse jalo, mme Kootswetse a re komiti ya gagwe e tle e tsamaye le motse e ruta ka letshololo, mme a re ba ruta banni gore fa ba ka lemoga fa ngwana a ithoma mantle a a metsi gararo kana go feta foo mo letsatsing ba tshwanetse ba tsaya kgato ya go isa ngwana kokelong. A re o gokalola banni gore ba tshware dijo tsa bana sentle ka gore letshololo le bakwa ke megare e ngwana a e ejang mo dijong kana go nwa metsi a a kgotlelesegileng. “Gape letshololo le ka bakwa ke go tlhaela dikotla, mmokwane gammogo le letshoroma,” a tlhalosa. O kgothatsa setshaba gore ba seka ba nwa metsi le go ja dijo tse di kgotlelesegileng,cgape a re go tlhapa diatla ka molora le metsi a a phepa go botlhokwa ka go fokotsa kanamo ya megare. “Re tshwanetse go tlhaloganya gore mafele le dintsi le tsone di ka anamisa letshololo ka go tsaya megare mo mantleng di a isa kwa dijong, ka jalo bolwetse joo bo tswa mothong go ya kwa go yo mongwe fela jaana,” a bua jalo Mme Kootswetse. O gakolola banni gore metsi a pompo ga a a siemela go nowa ke ngwana mme a tshwanetse a bedisiwe pele e bile go dirisiwa dilwana tse di phepa, le gone a tshwanetse go nna a khurumetswe go itsa megare go tsena mo teng. Mme Kootswetse a re batsadi ba seka ba siela ngwana tee kana dino tsididi fa a tsholola ka gore di na le sukiri e e ka okeletsang ngwana letshololo, bogolo fa ngwana a fiwe kotla ya Zinc Sulphate ka e le botlhokwa mo itshireletsong ya mmele. A re batho ba seka ba reka melemo ya letshololo kwa marekisetsong a melemo ba sa laelwa ke ba bongaka. Source:Author:Location:Date:more news »Main LinksNetworksSocial NetworkUseful LinksServicesContacts health 6 Ba lela ka koparase ya metsi Makhanselara a kgaolo potlana ya Boteti ba lela ka koparase ya metse ya Water Utilities Cooperation (WUC) ba re ga ba kgotsofalele ditirelo tsa bone tsa go siela metse ya bone metsi. Makhanselara ba ntshitse selelo se sa bone kwa tshimolodisong ya Khansele potlana ya Boteti kwa Letlhakane ka Mosupologo. Ba re koparase e ga e na therisano le setshaba ka jaana le fa go sena metsi kana go na le mathata mangwe a a amanang le metse ba sa begele setshaba. Ba ne gape ba supa fa ba ngongoregela tiego ya go gokelela batho metsi mo malwapeng mo bareng bangwe ba na le dingwaga di le dintsi ba kopile go gokelelwa metsi le gompieno ba eme fela. Ba supile fa gape ba tshwengwa ke seemo sa go senyega ga diponpo tsa metsi tse di mo mokgwatlheng mme ba tsaya sebaka go di baakanya.bare dipompo tse ga di a agelelwa mo go dirang gore diphologolo di di robe. Makhanselara ba re ba tshwengwa ke tlhaelo ya metsi mo bangawe ba bone ba reng kwa metseng ya bone ba kgona go tlhoka metsi selekanyo sa beke ka na go feta, mme morafe o sa rerisiwa gore mathata keng.Ba re fa gongwe le fa ba gelelelwa ka dikoloi ga go dirwe ka fatshwanelong ka jaana batho ba ba kgakala le ditanka tsa metsi basa kgone go bona metsi. Ba ne gape ba supa fa koparase ya metsi e palelwa ke go baakanya diphaephe tsa metsi ba tlhalosa fa metsi a dutla gongwe le gongwe e bile go tsaya lebaka go sa baakangwe. Ba supile fa ba tshwengwa ke kgang ya gore batho ba ditsha tse disha go bo gotwe ga ba mo moalong wa go gokelelwe metsi, go lo mo ba reng go kgoreletsa batho go aga ditsha tsa bone. Mokhanselara wa kgaolo ya Xhumo/Mmadikola Rre Elijah Motsamai a re ba batla gore ba bontshiwe mananeo a a dirwang mo kgaolong e seng go a bolelelwa ka molomo fela. Rre Motsamai a re go sale go gokelwa dipompo tsa metsi kwa kgotleng ya Sekgopane metsi ga a goroge . Mokhanselara wa kgaolo ya Letlhakane bophirima Mme Thato Modirwagale o supile fa madi a kgogo ya metsi a a leswe a P1500 go leturu e bile go kokonela banni ba kgaolo ya Boteti. A botsa gore madi a teng a duelo jang.O tsweletse a re banni ba kgotla ya Phrase 2 Extension ga ba na metse a re ba gelela metsi kgakala ,a ba kopela gore ba tsenyediwe ponpo gaufi. Mokhanselara wa kgaolo ya Metsiaela Rre Boitshwarelo Mopedi e ne o ne a supa fa madi a go gokela metsi a P2000 a le mantsi ,a tlhalosa fa e se motswana mongwe le mongwe yo ka a kgonang. Rre Mopedi a re banni mangwe ba kgaolo ya gagwe ke ba ba senang dijarata ka jalo ga ba kgone go direlwa ditshitswana tse di rekang metsi. E rile a ba kgwa dikgaba Mogolwane wa Koporase ya Metsi WUC Rre Enocent Lenard a kopa Makhanselara gore ba dirisane le ene ,a re o lemogile gore tota ba ntse ba sa dire sentle ka gore tiro ya bone ya go tsaya metsi mo motseng ga e a ka ya nna motlhofo ba ne ba kopana le dikgwetlo. Rre Lenard a re kgang ya dipompo tsa mekgwatlheng ba file morafe boikarabelo jwa go di tlhokomela gore ba lemoge gore ke tsa bone. Ka kgang ya dituelo tsa go gokela metsi a re puso e ntshitse bontlha bongwe jwa madi go tlhogofaletsa setshaba .Mo kgannyeng ya tiego ya go gokela metsi mo malwapeng o supile fa mo nakong eno mochine o o epang o le kwa Rakops go dira tiro ya go na jalo a re o tla tsamaya le metse e mengwe. O bile a ba tlhalosetsa fa a le mo thulaganyong ya go tsamaya le metse ya kgaolo ya Boteti a tshwara diphuthego.Mo kgannyeng ya Sekgophane o ne a solofetsa fa a tla e sala morago. O ne gape a re tlhwatlhwa tsa kgogo ya metsi a leswe di ko godimo ka lebaka la gore ga ba na matlamo a ba tshela mo go o ne ba isa kwa Serowe kana Francitown. BOKHUTLO politics 7 Mogwebi o gwetlha banana go itlhamela ditiro E re ka lefatshe leno le lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la ditiro mo bananeng, monana wa kompone ya Negust Holdings PTY. LTD kwa Maun o gwetlhile banana go itlhamela ditiro le go nna pelotelele mo dikgwebong tsa bone. Mo potsolotsong le lekalana la BOPA bosheng, Rre Ompatile Molefhe e leng monana wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe yo o gwebang ka go rekisa maranyane a inthanete ke gore “internet cafe” ka sekgowa, go ntsifatsa meriti ya dipampiri, go baakanya le go rekisa dikhompiutara o ne a bona go le maleba gore a itshimololele kgwebo ya gagwe ka a ne a bona go sena tiro epe e a e bonang fa a sena go fetsa sekole sa gagwe. Ka mokodue go tsosiwa o o itsosang, Rre Molefe o gwetlhile banana fa puso e phutholotse letsogo ka jalo go le mo maruding a bone go inaakanya le mananeo a puso a tshwana le la Youth Development Fund gore ba fiwe ledi go itlhamela ditiro. O supile fa a simolotse kgwebo ya gagwe ka matsana a a neng a a kgobokanya ka go tlhatswetsa batho dikoloi mme a simolola ka go reka khompiutara e le nngwe, e a neng a e dirisa go kokotletsa go reka tse dingwe go fitlhela kgwebo ya gagwe e nna e atologa e nna le tsotlhe didiriswa tse a di tlhokang. A re ka go bo a dira ka botswerere, botswapelo le bonokopila, kgwebo ya gagwe e dira sentle fela thata ka e bile e na le lekalana le lengwe kwa Letlhakane, mme a ikaelela gore e aname le dikgaolo tsotlhe tsa lefatshe leno. Rre Molefe a re banana ba dirise dikitso tse ba di ithutileng kwa dikoleng tsa ithutelo ditiro go tlhama mebereko ka seo se ka sologela dikgwebo tsa bone molemo. A re banana ba ikitee sehuba fa ba simolola dikgwebo tsa bone gore di seka tsa felela di phutlhame. “Go nna mogwebi ga se selo se se motlhofo mme o tshwanetse wa nna o le malala a laotswe go emelelana le seemo sengwe le sengwe se se ka tlang se lebagane kgwebo, go na le nako e kgwebo e ka sekeng e dire letseno sentle, mme fa o le mogwebi ga o a tshwanela go ineela ” ga bua Rre Molefe. A re kgwebo ya gagwe e setse e thapile banana ba le boferabongwe mme e bile o setse a ikaegile ka yone botshelo jwa gagwe botlhe go mo tshetsa. Rre Molefe a re se sengwe gape se se ka dirang gore kgwebo gore e tswelele ke go somarela letseno lengwe la yone ka go le dirisa sentle gore e re motlhang kgwebo e sa dire letseno e kgone go itsetsepela. A re go tshwara babereki sentle mo kgwebong ka go ba duela ka nako, bophepa le fa baji-bareki monyenyo mo kgwebong ke selo se se botlhokwa fela thata ka go godisa kgwebo. O kgothaditse banana gore ba seka ba itlhaganelela go reka dikoloi tsa madimadi ka matseno a dikgwebo ka seo se ka felela se dira gore e phutlhame. BOPA economy_business_and_finance 3 Ba Mokgware, Mogome, Radisele ngongorega ka ditsheko Banni ba metse ya Mokgware, Mogome le Radisele mo kgaolong ya Legareba kgadile molao o o letlelelang ditsheko tsa bogodu jwa loruo go sekelwa kwa makgotleng a bommakaseterata go na le mo makgotleng a Setswana. E rile ba akgela mo diphuthegong tsa kgotla bosheng, tse di neng di buisiwa ke modulasetilo wa mokgatlho wa BIRRO , Rre Mothei Sejakgomo, ba bolela fa go sekelwa ga loruo kwa makgotleng a bommakaseterata go neela magodu sebaka sa go hira kana go thapa babueledi ba go bolelwang ba dirisa maretshwa go tsietsa beng ba dikgomo. Ba re e le barui ba kgomo ba eletsa ditsheko tsa loruo di ka sekelwa mo makgotleng a Setswana ka jaana beng ba dikgomo ba tlaa kgona go tlhalosa matshwao le ditshipi tsa bone gammogo le mebala ya dikgomo ba sa gatelelwe jaaka kwa makgotleng a bommakaseterata kwa go dirisiwang sekgowa teng. Ba ne ba tlhalosetsa Rre Sejakgomo fa ditsheko tsa bogodu jwa loruo kwa makgotleng a bommakaseterata di tsaya lobaka go sekwa, mo go dirang gore ka dinako dingwe bosupi bo nyelele, mme seo se dire gore beng ba loruo ba latlhegelwe ke tsheko ntateng ya go nyelela ga bosupi. Dingwe tse banni ba ngongoregileng ka tsone ke go tlhoka tirisano mmogo fa gare ga mapodisi le batho ba ba ba lomang tsebe ka jaana ka dinako dingwe ba gomagomediwa go itewa ke babelaelwa ntateng ya go ntsha sephiri ga mapodisi. Rre Sejakgomo o boletse mo diphuthegong tseo fa mmuso jaanong o sa tlhole o letlelela ditsheko tsa loruo go sekelwa kwa makgotleng a Setswana ka jaana ka dinako dingwe magodu a dirisa dibetsa tse di borai jaaka ditlhobolo le dilepe go amoga batho loruo lwa bone. Rre Sejakgomo a re go oketsega ga dikgwebo tsa diselaga jaanong go dirile gore bogodu jwa loruo bo golele pele mo e bileng bangwe ba dirisa dibetsa tse di borai go amoga batho dithoto. O kopile batho ba metse eo le meraka e e mo tikologong go tshwaraganela tiro ya go lwantsha bogodu jwa loruo le mapodisi a bo a ba rotloetsa go ya merakeng kgapetsakgapetsa ka jaana badisa bangwe ba ka nna ba tsenwa ke tlhaloganyo ya go itirisetsa dikgomo tsa bahiri. BOPA crime_law_and_justice 1 Modikwa o abela dikolo ditlhare Mme Julia Modikwa wa kgotlana ya Borotsi mo Bobonong o boloditse letsholo la go abela dikole tsa motse oo ditlhare tsa maungo,moriti le mekgabisa. O boletse mo puisanong le BOPA fa a setse a abetse dikole tse dipotlana tsa Bobonong ditlhare di le masome a mararo le bosupa.A re o abetse sekole sa Borotsi ditlhare di ferabongwe,sekole sa Mabumahibidu di le lesome le motso fa sa Madikwe a se abetse di le lesome le bosupa. Mme Modikwa a re mo letsholong la gagwe la go aba ditlhare o, tlaa tswelela a abela dikole tse dingwe tsa Bobonong le tse dingwe tse di mo metseng ya Bobirwa.O tlhalositse fa a tlaa atolosa letsholo la gagwe la go aba ditlhare ka go abela maphata a puso ka go farologana. Le fa go ntse jalo, Mme Modikwa o tlhalositse fa a le mogwebi yo mmotlana wa temo ya ditlhare tsa moriti,maungo le mekgabisa. Mme Modikwa yo gape e leng mokgothatsi, a re lerato la temo ya ditlhare le ntse le agile mo go ene go tswa bonnyeng jwa gagwe ka e bile temo ya ditlhare e le di ya thoteng di bapile le motho yoo nang le lerato mo setshabeng. O tlhalositse fa toro ya gagwe ya go ipona a fetogile molemi wa mogwebi ka ditlhare e fetogile nnete ka a setse a na le tshingwana ya ditlhare ka go farologana mo lelwapeng la gagwe.Mme Modikwa a re ba lephata la dikgwa le tikologo mo Bobonong ba mo thusa ka dithuso ka go farologana selo se se dirang gore kgwebo ya gagwe e itshetlele. A re kgwebo ya gagwe, e setse e kgona go tlamela le go tshedisa ba lelwapa la gagwe. O boletse fa a na le maikaelelo a go kopa dithuso mo makalaneng a puso go godisa kgwebo ya gagwe. Mme Modikwa o tlhalositse fa e le mme yo o sa tsewang mme a gakolola bomme jaaka ene go ikemela ka dinao go dira ka matsogo gammogo le go dirisa mananeo a puo e a ntshitseng a nyeletso lehuma go tlhokomela malwapa a bone. education 4 Basimane ba bolailwe ke metsi Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone basimane ba le babedi ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le bone le lesome le borataro ba Goshwe ba neng ba betwa ke metsi morago ga gore ba wele mo molwatswaneng. Mogolwane wa mapodisi a Tutume, Superintendent Jerry Halahala a re begetswe tiragalo eo ka Matlhatso ka nako ya botlhano maitseboa. Supt Halahala o tlhalositse fa ba ne ba thusana le ba sesole go ntsha bana bao mo metsing, morago ba ba ragosetsa kwa kokelong ya Tutume kwa go tlhomamisitsweng fa ba tlhokafetse. A re ba santse ba le mo ditlhotlhomisong go leka go batla se se ka tswang se diragetse gore bana bao ba felele ba wetswe ke seru. O ne a supa fa ka letsatsi leo pula e ne e nele thata mme dinoka di ne di tletse. Supt Halahala o ikuetse mo batsading go tlhokomela bana le go ela tlhoko metsamao ya bone segolo jang ka nako dipula ka jaana bana ba rata go tshamekela mo metsing mme se, se le borai mo matshelong a bone. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Tonto tshipidi: Motheo wa thuto Mogolwane wa thuto go tswa kwa moding mo Mahalapye a re lenaneo la go tsamaisa banana tonto-tshipidi pele ga ba simolola lokwalo lwa ntlha kwa dikoleng tse dipotlana le turu e bile le tlhoka ditlamelo tse di faphegileng. Mme Onkemetse Letsatle o buile jalo bosheng jaaka sekole se sebotlana sa Mahalapye se ne se alosa bana ba le masome a supa le boraro, ba ba ntseng ba tlwaediwa sekole ka fa tlase ga lenaneo la tonto-tshipidi. A re go botlhokwa go fa ngwana motheo wa thuto a sa le mmotlana. Ka jalo Mme Letsatle a re o lebogela seabe sa batsadi, bagwebi le setshaba ka kakaretso mo go thuseng ka didirisiwa tsa go ruta bana ba. O supile gape gore bana ba dingwaga tse di kwa tlase ba thata go tshwara se ba se rutwang, ka jalo morutabana o tlhoka go nna pelotelele le boineelo. Mme Letsatle a re barutabana ba tonto-tshipidi ba tshwaragane le namane e tona ya ditiro ka ba patelesega go abela ngwana tiro ba lebeletse bokgoni jwa gagwe. A re bana ba bannye ba tlhoka go tshwara sentle, ba kaelwa ke motho a sa fele pelo, a tlatsa ka go re ba ithuta botoka ka go tshameka, ka jalo o lebogela botlhe ba ba nnile le seabe go thusa sekolo ka ditlamelo tse. Mme Letsatle o kopile batsadi go tshwaraganela bana le barutabana ka go ba ruta tse di molemo tse di ka ba thusang mo dithutong. A re lelwapa le le senang kagiso le tsamaiso e e lolameng le busetsa maiteko a a dirwang ke barutabana kwa morago. Mogokgo Gaothophe Moilwa a re sekole se mo ngwageng wa bobedi se ntse se amogela bana ka lenaneo la go tlwaetsa bana tikologo ya sekole le go ba tsamaisa tonto-tshipidi. Mme Moilwa o lebogile puso go simolodisa lenaneo le, a supa fa batsadi bangwe ba sa kgone go duelela bana kwa dikolong tsa bananyana tse di ikemetseng. A re lenaneo le, le botlhokwa ka gore le suga bana le go ba tlwaetsa tikologo ya sekole. Mme Moilwa a re kwa tshimologong ya lenaneo le ngogola, ba thusitswe ke batsadi go reka ditilo tsa bana, a tlatsa ka go re ba khamphani ya Botswana Railways, ba thusitse ka go shafatsa matlwana a mabedi a a rutelang bana ba, go kgabisa matlwana a le go reka didirisiwa tse dingwe tsa botlhokwa. Le fa gone lenaneo le tsweletse sentle, mogokgo o supile fa ba sena barutabana ba ba rutetsweng go ruta bana ba. O akgotse barutabana ba ba rutang bana mo nakong eno, ka ba dira tiro ya bone ka boineelo le lorato. A re batsadi le bone ba dirile go utlwala go thusa mo thutong ya bana ba bone. O supile gore ka thotloetso ya batsadi, e ne ya re bosheng bana bao ba tsaya mosepele wa go ithuta le go ja nala ba etela mafelo a le mmalwa kwa toropong kgolo ya Gaborone. Le fa go ntse jalo, Mme Moilwa o tshwenngwa ke gore batsadi ba ba mo tikologng ya sekole ba maoto a tshupa go kwadisa bana. A re dipalo tsa bana ka bontsi ke tsa ba ba tswang kgakala le sekole se, ka jalo batsadi ba bone ba ba fudusetsa kwa dikolong tse di gaufi le malwapa a bone mme se se kgoreletse bana go tswelela ba le mmogo. BOKHUTLO society 9 Maleho o itshetsa ka dikoko lick to see more pictures Thuo ya dikoko tsa nama e na le mosola thata fa motho a na le bokgoni le maikarabelo kgotsa lorato mo go yone. Monana wa Shakawe, Rre Muzumbi Maleho ke sekao sa gore kgwebo e e ka dira sentle fa motho a tsentse marapo dinameng. O tlhalosa gore ka dilo e le makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe, e rile a sale mmotlana a eletsa kgwebo e ka rre rraagwe e ne e le morui wa dikoko.E rile magolong a gagwe a rwala ditlhako a bona gore a dirise mananeo a puso go tsholetsa seriti sa gagwe mo botshelong. A tabogela fa ofising ya banana mo motseng mme a dira tsotlhe tse di tlhokafalang gore a kgone a simolole kgwebo ya gagwe. O tlhalosa gore ka a ne a na le maikaelelo, toro ya gagwe a e kgona ka lephata la banana, metshameko le ngwao le ne la mo neela P99 000. Ka a ne a na le lefelo le a le filweng ke rre rraagwe go ile ga nna motlhofo go simolola kgwebo e. Gompieno o na le dikokwana tse di fetang sekete. Kwa matlhabelong a gagwe o na le matlo a le mararo, e nngwe ke e e bayang dikokwana, fa tse dingwe e le tse di setseng di godile.O setse a na le batho ba a ba thapileng ba le bararo mme fa nako ya go tlhaba e goroga o thapa ba roba bobedi go thusa. Ka kgwedi o gola P30 000. Ka a se na sebaka o na le batho ba e leng gore ke bone barotloetsi ba ba mo thusang. O tlhalosa gape gore gangwe le gape fa go na le mediro e metona ya puso mo kgaolong ba a tle ba reke nama mo go ene. Koko ya gagwe e le nngwe e tsamaya ka masome a mane a dipula go ya kwa godimo, mme a re ga a ture ka a akanyetsa batho. O tlhalosa gore o ipapatsa le kwa dioteleng gore kgwebo ya gagwe e gole. Kwa sekoleng se segolwane sa Shakawe nama ya koko go rena ya hoko ya gagwe, mme o tlhalosa gape gore le ba madirelo a dijo ba a mo etleetsa ga mmogo le batho ba motse. Go bo kgwebo ya gagwe e tsweletse, o tlhalosa gore ofisi ya banana e a tle e mo thuse ka thutopuisanyo ya tsa kgwebo. O tlhalosa gore go dira kgwebo ya mofuta o go batla motho a nna fa tlase ga yone, le gone a itse go e tlhokomela, le gone go fa dikoko fa dijo sentle.Nako ya fa dikoko di fela o nna mo tsietsing ka a re o di reka bokgakala jwa Francistown, mme ka a setse a utlwile monate wa madi ga a ipone tsapa go di latela. Se sengwe ke lone lefelo ka a re le mo motseng, ka jalo dikoloi di kgona go tshosa dikokwana ka modumo mme di felele di sule.O tlhalosa gore, gore monana jaaka ene a kgone go tsamaisa kgwebo e tshwana le e, o tshwanetse go ititaya sehuba ka gore go a berekwa ga go tshamekwe. A re fa motho a nna fa fatshe le yone kgwebo e a phutlhama. A re e rile a simolola kgwebo o ne a sa bone dipoelo, gape dikoko di le dintsi di swa, mme se ga se a mo ema pele. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Letlhoko la dipalamo le tokafetse Seemo se se tswang kgakala se sa robatse banni ba Matlhako kwa Tswapong sa letlhoko la dipalamo tsa setshaba se bolelwa se tokafetse ka jaanong go na le dipalamo tsa setshaba di le pedi tse di tswang mo motseng oo moso le moso di ya Selebi Phikwe le Palapye. Kgosi Ditshotlo Kgaugelo a re letlhoko la dipalamo le ne le sa ba robatse ka go ne go le thata go tswa mo motseng wa bone go etela mafelo a mangwe kgotsa fa o tswa kwa ntle o etela kwa Matlhako. A re e ne e nna matlhotlhapelo fa go tsena nako ya gore bagodi ba ba sa amogeleleng dikatso tsa bone tsa kgwedi le kgwedi mo kgotleng ba tlamege go ya kwa posong ya Machaneng. O ne a supa gore ba ne ba tsamaya sekgele sa dikhilomithara tse tharo ka dinao go ya kwa maemelong a ba ka kgonang go kopa mosepele mo dikoloing tsa beng ba tsone. Kgosi Kgaugelo a re mme seo se ne se baya matshelo a bone mo diphatseng ka jaana maemelo ao a dipalamo a le mo sekgweng a tlatsa ka gore maemelo a teng a gaufi thata le polase e e nang le diphologolo tse di borai tse di ka tlhaselang motho nako nngwe le nngwe. A re gape ba ne ba setse ba na le poifo ya manweenwee a a thukuthang batho ba bo ba ba namola dithoto tsa bone, go ba itaya le go itseela dikobo ka dikgoka. Le fa go ntse jalo, Kgosi Kgaugelo o ne a tlhalosa fa kgwetlho e e leng teng fela mabapi le dipalamo tse e le ya go boela kwa Matlhako maitseboa. A re se se raya gore le fa motho a feditse se a neng a se dira nako e le teng, o tlamega go emela nako ya maitseboa gape go emelela kwa Matlhako le go ya teng ka dinako tsa motshegare gone go sa ntse go le thata. society 9 Kgosi o lebogela morafe maiteko Banni ba kgotlana ya Mahalapye West ba akgoletswe go ema ka dinao go kganela kgonagalo ya go anama ga mogare wa corona. Kgosi Bakgori Keitebetse a re morafe o tsweletse ka maiteko a mantle go lwantsha mogare. O buile jalo fa a phatlalatsa morafe kwa phitlhong ya ga Mme Gadifele Ofentse kwa Mahalapye ka Tshipi. A re le fa gone morafe o ne o tshologile go feta palo tse di beilweng ke ba botsogo, se se mo molemo ke gore ba ne ba sa kgotlhagana. A re le mokgwa wa tlwaelo wa go phatlalatsa morafe ga o a dirwa. Kgosi Keitebetse a re le fa a tlhaloganya gore dingwe tsa ditsetlana tse di ntshitsweng go lwantsha kanamo ya mogare wa corona di gotlha gotlhana le mekgwa le tsamaiso ya ngwao, go botlhokwa go dira tsotlhe go thibela kgonagalo ya go anama ga mogare. Kgosi Keitebetse a re le ntswa go sa tlwaelesega go nna ka go gasa gasama , se se botlhokwa ke gore morafe o supa gore o tlhaloganya maikaelelo a se se dirwang, e leng go thibela kanamo ya mogare wa corona. Kgosi Keitebetse a re mogare wa corona o ka fenngwa fa batho ba ka obamela ditaelo tsa botsogo. A re mogare wa corona o tla ka diphetogo mo matshelong a botlhe, mme o ka fenngwa ka go diragatsa ditaelo tsa ba botsogo. A re ke nako ya gore setshaba se tshwaragane pele seemo se tsaya phekelo e sele. O gakolotse batsadi go tlhokomela bana, morago ga gore puso e tsee tshwetso ya go tswala dikolo, ka maiteko a go thibela kanamo ya mogare wa corona. Kgosi Keitebetse a re o tshwenngwa ke go bona bana ba tsweletse ka go kgobokana ka dipalo tse dintsi mo mekgwatlheng, seemo se se ka ba tsenyang mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare. A re le fa e e le tshwanelo ya gore bana ba fiwe nako ya go tshameka, twantsho ya mogare wa corona, e ntshitse mongwe le mongwe mo go direng dilo ka mojgwa wa tllwaelo. O gateletse gore batsadi ba netefatse tshireletsego ya bana. Kgosi Keitebetse o gwetlhile batsadi go rotloetsa bana go tlhapa matsogo ka molora kgapetsa kgapetsa pele ba tshwara dijo ka na fa ba goroga mo lwapeng ba tswa kwa mafelong a mangwe. O tsweletse a rotloetsa go obamela melawana e beilwe jaaka wa kiletso thekiso ya nnotagi, le go tshwaragana gore ba kgone go fenya mamba. A re sengwe se se tshwenyang thata, ke gore bangwe ba santse ba tshwareletse mokgwa wa go nwa ba amogana phafana ka go ba tsenya mo boraing jwa go tsenwa ke morafe wa corona. O tlhaloseditse morafe gore puso e tla tswelela ka go seka seka melawana e beilweng, mme le fa go ntse jalo setshaba se gakolololwa go tswelela ka go dira tsotlhe tse ka thibelang mogare wa corona go anamela mo Botswana. Mokhanselara wa kgaoo ya Ngakaagae, Rre Khumo Motonto, a re o nona pelo ka mathe go bona morafe o tshwaraganye, mme o dira ka natla go sala morago ditaelo tsa ba lephata la botsogo le boitekanelo. Mokhanselara Motonto o gatletse botlhokwa jwa go lthapa matsogo kgapetsa kgapetsa ka metsi a phepa le molora go boalaya megare. Are go botlhokwa go obamela taolo e ntshitsweng ke puso ya go eletsa thekiso ya nnotagi, go kokoana mo malatsing a le masome mararo go fokotsa kgonagalo ya go anamisa mogare wa corona. A re ba lemoge gore seo, ga se dirwe ka maikalelo a go bogisa ope, mme se dirwa go babalela matshelo a bone. Rre Motonto a re go botlhokwa go dira tsotlhe tse di ka babalelang matshelo, a tlatsa ka gore botshelo bo tla a tswelela morago ga go lwantsha mogare wa corona, ka jalo go botlhokwa gore mongwe le mongwe a falolle segajaja se. health 6 Puleng o ikuela mo banning ba Letlhakeng Mothusa kgosi wa Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng, o kopile banni ba motse oo go tsena diphuthego tsa kgotla ka bontsi le ka nako, go baakanyetsa metseletsele ya meletlo e e tlaa tshwarwang mo motseng wa bone pele ga boipuso. Kgosi Puleng o buile se fa a ne a amogela baeng kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo Rre Liakat Kablay ka Motsheganong a le masome mabebedi le bone. Kgosi Puleng o supile fa go tlaa nna le moletlo wa ditshupo ka kgwedi ya Phukwi, go nne le letsatsi la ngwao, molelo wa kgolagano pele ga moletlomogolo wa boipuso jo bo faphegileng jwa dingwaga tse di masome a matlhano. Erile a ba lekodisa ka tsa palamante e e fetileng, mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng-Lephepe Rre Kablay, a supa fa ba ne ba ile go aba madi a maphata kwa palamenteng e e fetileng, a supa fa lephata la thuto le abetswe madi a mantsi gore le tle le tokafatse ditirelo tsa thuto le gone go tokafatsa seemo sa thuto mo lefatsheng leno. O boletse fa go tlaa baakanngwa matlwana a borutelo, go tlhabololwa dikole, go okediwe barutabana dithuto ga mmogo le go agelwa matlo a boroko. Rre Kablay o ne a kopa batsadi go tsenya letsogo go thusa puso mo thutong ya bana ba bone, le gone go ba ruta gore ba seka ba senya dikago tsa sekole fa ba ngongoregela sengwe, mme ba bue le mekgatlho ya bone gore ba rarabolole dikgang tsa bone. O kopile batsadi go loma tsebe ba molao ka batsadi ba ba rekisetsang bana ba sekole ditagi ka jaana ditagi tse di felela di senyetsa bana ba bone bokamaso. Rre Kablay o boletse gape fa lephata la ditswammung, kgotetso le metsi, le abetswe madi a mantsi go baakanya diphaephe tse di gogang metsi go tswa kwa bokone jwa lefatshe leno go tla borwa le go katolola didiba le gone go gokelwa motlakase mo metseng e mesha. Bokhutlo politics 7 Baithuti ba tlhatlhelelwa maitemogelo a itshetso Banana ba gakolotswe go dirisamananeo a puso a go ba ntsha mo diphatseng jaaka go dira learo le le babalesegileng la bo rre. Go buile jalo Kgosi Edwin Ramokobetwane wa Khudumelapyefa a buladithuto-puisano tsa dikitso tsa itshetso tse di neng dirulagantswe ke ba DMSAC ba na le baithaopi ba lefatshe la Amerika ba Peace Corps. Dithuto tseo di tsenwe ke bana ba dikole tse di potlana tsa metse ya Takatokwane, Sorilatholo, Salajwe, Khudumelapye, Serinane le Ditshegwane. Kgosi Ramokobetwane o tsweletse a gakolola banana botlhokwa jwa go dira learo ba sale bannye gore ba kgone go gola ka botsogo jo bo ntle. O kgothaditse batsena dithuto tseo go ikgapha le go reetsa dikgakololo tsa batsadi ba bone. Kgosi Ramokobetwane o tsweletse a akgola ba DAMSAC go bo ba bone go le botlhokwa go tshwarela dithuto tseo mo motseng wa Khudumelapye. Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Khudumelapye, Mme Gofentsemang Keotletswe o ne a kopa bana go nna pelo telele mo dithutong tsa bone le go di tsaya tsia. Mme Keotletswe o ne gape a galaletsa bana le seabe botlhe ba ba rulaganyeditseng thutuntsho e. education 4 Palapye o tlaa agelwa dikole di le tharo Mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofho Molefhi, a re puso e ikaelela go dirisa lefelo la temo le le kwa Ralenyeletse go dira temo ya nosetso. Fa a buisa maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa kgaolo ya gagwe bosheng, Rre Molefhi o tlhalositse fa puso e santse e baakanya lefelo le mme fa le setse le siame go a go tlhokafala balemi ba ba tlhwaafetseng go dirisa lefelo leo go lema merogo. A re lefelo leo le le diekere tse di lekgolo le tla kgaoganngwa gore bontlha bongwe bo dirisiwe go dira ditiro tsa nyeletso lehuma, fa le le setseng le tla abelwa balemi. A re temo ya nosetso e tlaa thusa go tlhamela banni ba Selebi Phikwe ditiro le go tsosa itsholelo ya mo malwapeng le ya toropo. Rre Molefhi o kopile dikhamphane tse di ikemetseng tse di ka fa tlase ga lephata la Peeletso, Papadi le Madirelo, gore ba bitse bokopano jo mo go jone ba tlaa thusang banni ba Selebi Phikwe ka maano a go tsena mo dikgwebong. A re phuthego eo e santse e baakanyediwa mme a kopa banni ba toropo eo go e tsena fa nako ya teng e setse e gorogile. Fa a bua ka batho ba ba nnang kwa lefelong le le itsegeng ka Ralenyeletse, Rre Molefhi o boletse fa puso e ne ya phimola banni ba koo dikeledi ka nako ya fa puso e tsaya lefatshe le ba neng ba nna mo go lone. A re ka nako eo phimolo dikeledi e ne ele kwa tlase mme fela puso e ne ya diragatsa molao ka go ba phimola dikeledi. A re batho bao ba santse ba tlogetswe go nna mo lefelong leo ka puso e santse e sena madi a go le tlhabolola. Rre Molefhi o kopile lephata la ditsha go sekaseka fa le ka se bone lefelo le batho ba ba ka isiwang ko go lone. Mo go tse dingwe o lekodisitse maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse fa puso e tsweletse ka go tsenya ditlamelo tsa metsi, motlakase, ditsela le tse dingwe mo ditsheng tsa dikgwebo gore ba ba eletsang go dira madirelo kwa Selebi Phikwe ba seka ba sokola. A re puso e lemogile fa go tlhoka go tsenya ditsha tsa dikgwebo ditlamelo go dira gore dilo di tsamae ka bonya mo babeeletsi ba felelang ba itlhoboga mme ba ye go beeletsa kwa mafatsheng a sele. A re dingwe tsa ditsha tseo di tlaa fediwa monongwaga fa tse dingwe di tla felelediwa morago. Rre Molefhi o ne gape a lekodisa dikomiti ka dipaakanyo tse di dirilweng mo molaong wa bogodu jwa leruo, mme a ba rotloetsa go ikgapha mo bogodung ka bo ka tloga ja ba tsenya mo mathateng. Fa ba tswa la bone maloko a dikomiti tsa ditlhabololo ba lebogetse lenaneo la mapodisi la Kgomokhumo, ba re maduo a lone a bonala. Mo godimo ga se ba lebogetse maiteko a puso e eletsang go a dira go tlhabolola matshelo a bone le itsholelo ya toropo ya bone e ileng ya amiwa ke go tswalwa ga moepo wa BCL. Ba re temo e ka kgona go jesa banni ba Selebi Phikwe le mafelo a mangwe fa lefelo la Ralenyeletse le ka tsena mo tirisong. education 4 Mmoulwe o itshetsa ka dipodi Mme Tebatso Mmoulwe wa Hatsalatladi mo Kweneng o lebogile puso ka seabe sa yone sa go ntsha Batswana mo lehumeng ka mananeo a nyeletso lehuma. E rile a bua mo potsolotsong le O tlhalositse gore pele ga a fiwa lenaneo leo ka Hirikgong, go ne go se motlhofo go ijesa ka a ne a sa bereke e bile gape go sena sepe sa itshetso se a se dirang. Ka jalo a re lenaneo le, le tsile ka nako e e maleba mo go ene ka e bile a re o tswa kgakala a rata go rua, segolo jang dihutshane. Mme Mmoulwe a re dipudi di bogadi bo gaufi ka ditsala gabedi mo ngwageng, e bile di se dingalo go tlhokomelwa. O tlhalositse gore o filwe dipudi di le lesome le botlhano, mo go tsone tse dinamagadi di le lesome le bone le phoko. Mme Mmoulwe a re dithuto tse a di filweng morago ga go neelwa lenaneo di mosola ka a kgonne go ithuta gore dipudi di tlhokomelwa jang, a tlatsa ka go re o itse gore fa podi e supa dikai dingwe e ka tswa e lwala bolwetse bo fe mme a nne le sebaka ga go e senkela kalafi e e maleba. O tlhalositse gore e re ntswa a tswa kgakala le thuo, o ne a sa itse go fa dihutshane mokento a re o ne a sitega go di tlhaba mme fa e sale a nna le dipodi tse, o ititeile sehuba go dira sengwe le sengwe se se maleba go di fa tlhokomelo go ya ka fa tshwanelong gore di tle di ate sentle. Mme Mmoulwe a re gape o rutilwe dithuto tsa go tsamaisa kgwebo gore a nne le sebaka sa go itse gore o rekisitse podi e fe ya selekanyo se fe ka bokae. A re gape o ne a sa itse mosola wa go baya mekwalo wa kgwebo, mme mo nakong eno o itse gore seo ke bosupi jwa gore a kgwebo e tsweletse sentle e dira dipoelo kana ditlatlhegelo. Le fa go ntse jalo, Mme Mmoulwe a re o kopana le dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya melemo, ka jalo dipodi tse dingwe di a swa, a tlatsa ka go re o setse a latlhegetswe ke di le pedi ka ntata ya bolwetse a ne a tlhokile melemo. A re kgwetlho e nngwe ke gore go na le magodu a dihutshane mo motseng wa bone, mme a re seo se mmusetsa kwa morago ka jaanong palo ya dipodi e fokotsega. Le fa go ntse jalo, a re o lebogetse seabe sa ofisi ya nyeletso lehuma ka e ba rotloetsa gangwe le gape e bile e ba lekola thata. A re seo re dira gore a tie moko le go feta. Mme Mmoulwe o rotloeditse Batswana go tswelela ba sa ipone tsapa mo go tseeng mananeo a nyeletso lehuma go itlhabolola. economy_business_and_finance 3 Morafe o supa komiti ka monwana Banni ba kgaolo ya Tidimalo mo Serowe Bokone ba supile komiti ya dithabololo tsa motse ka monwana ba re e dira dilo ka tshokamo. Fa ba bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke mopalamente wa kgaolo ya Serowe Bokone, Rre Kgotla Autlwetse, kwa kgotleng ya Konyana bosheng, morafe o ne wa supa komiti eo, ba re e lebile dikeletso tsa bone fela . Ba supile fa go thapiwa mo Ipelegeng le go apeela Ipelegeng borotho go dirwa ka tshokamo ka komiti e e sekametse thata mo bathong ba e leng masika a bone kgotsa ditsala mme se se baya morafe ka fa mosing. Mme Boitumelo Radipolase yo o supileng fa ipelegeng e tlhaelewa ke didirisiwa a re ba setse ba tshaba go ntsha dingongorego ka komiti ya dithabololo tsa motse ka go dira jalo o ipaya ka fa mosing wa go tlhoka go thapiwa mo ipelegeng. Mme Onkgolotse Ketaareng, o tlhalositse fa a sale a ikwadisetse go rekisa borotho ka ngwaga wa 2012 nako kgolo ke eno. Dipelaelo tsa gore komiti eo e dira dilo ka tshokamo di ne tsa rurifadiwa ke mokhanselara wa kgaolo eo Rre Solomon Dikgang. Rre Dikgang o tlhalositse fa komiti eo e dira ka bomo ka gore o tswa kgakala a bua le yone ka dikgang tse, ebile ba kile ba tlhoka kutlwisisano mmogo mo ba feletseng ba ya go agisanngwa kwa khanseleng. A re ntswa go sale go kwadisiwa batho ba ba tlaa rekisang borotho maina a teng ga a ise a ke a nsthediwe mo pontsheng. Rre Dikgang o supile fa a ka se kgone go bereka le komiti eo ka e le ba sokamisa dilo, a tlatsa ka gore fa e le gore ba batla go bereka le ene ba tsholetse dinao. “Ngwaga o o fetileng, ka Motsheganong re ne re le gone fa re thapa ipelegeng, mme e rile go duelwa ga nna le ba ba neng ba sa thapiwa” “Ke ne ka latela mongwe yo e neng e le motsetse ke mmotsa gore ke eng a amogela mme a le mo ntlong e le motsetse” Rre Dikgang o ne a tlhalosa gore go na le dikgang tsa seemo se tse di amang komiti ya dithabololo ta motse kwa mapodising. “Le lona setshaba le molato ka gore bangwe ba lona ba batla go thapiwa kgwedi le kgwedi. O ne a gatelelala gore Green Scorpion ga e theogele,ntswa gotwe ba thapilwe. Mabapi le ditsela o ne a kopa mopalamente gore a ba kopele Tautona go ba etela. politics 7 Itshireletso ya babereki ba meepo ke konokono – Makgalemele Batswana ba ba neng ba tshologetse phitlho ya ga Rre Moemedi Mpho ba tlhomamiseditswe fa puso le dikhamphani tsa meepo ka go farologana di tseela kwa godimo itshireletso ya babereki ba meepo. Mafoko a, a builwe ke Mopalamente wa kgaolo ya Shoshong, yo gape eleng mothusa tona mo lephateng la tlhabololo banana, metshameko le kgodiso ngwao, Rre Dikgang Makgalemele kwa tirelong ya phitlho ya ga Rre Mpho kwa Shoshong ka Matlhatso. Rre Mpho o tlhokafetse a le mo tirong kgwedi ya Lwetse e le lesome le boraro kwa toropong ya diteemane ya Orapa. “Ke le tlhomamisetsa gore itshireletso mo mekoting ya rona ke ya seemo se se kwa godimo. Re leka bojotlhe go sireletsa matshelo a rona, mme le fa go ntse jalo boammaruri ke gore mo botshelong go thata go tila dikotsi.” “Tsotlhe tse di diragalang ke taolo ya Modimo, a re amogeleng seemo jaaka se ntse. Ba masika le ditsala le botlhe ba ba neng ba atumalanye le ene, ke eletsa gore Modimo o le thuse le gomotsege, ngwana wa lona o tshidile lobaka le le neng le laotswe ke rara,|” ga tlhalosa Rre Makgalemele. Rre Makgalemele a re ga a na keletso ya gore ope a belaele itshireletso ya mekoti ya Botswana a tlatsa ka gore ditlhotlhomiso tse di tsweletseng di tla ntsha pego go tlhalosa se se bakileng kotsi e gapileng botshelo jwa ga Rre Mpho. Moemedi wa ba masika a moswi, Rre Phokoletso Beleng a re o dumela gore se se diragetseng se itsiwe ke Modimo. “Ke dumela gore lona, badiri ka ene, le na le kutlobotlhoko ee kopanyeng le letshogo, ga le a wela dibete ka tumelo ya gore le tlaa botswa dipotso tse di tla tlhokang dikarabo, ka pelaelo ya gore sengswe ga le a se dira sentle. Re lebogetse tshwaragana ya lona le rona, re dumela gore botshelo jwa ngwana wa rona bo gapilwe ke kotsi e sa dirwang ke motho ka maikaelelo,” ga tlhalosa Rre Beleng. E rile a bua mo boemong jwa bana, Pontsho Mpho, o kaile fa ntsalae e ne ele ngwana yo o kutlo, a dira ditiro tsa mo lwapeng ka lorato, boineelo le botlhaga. “Le fa re amilwe thata ke kafa ntsalaa rona a tsamaileng ka teng, ke dumela gore re tla gomotsega. Robala ka kagiso morwa-Majwana-a-Mabedi. Robala ka kagiso phala.” Moemedi wa Debswana, Rre Moleko Majaha, o lebogetse sebaka se ba neng ba se filwe ke Modimo go dira le Rre Mpho. Rre Majaha o supile fa moswi a ne a dira ka fa tlase ga kompone ya Kalcon kwa Orapa e filweng tiro ke kompone ya Debswana. “Re tlotla le go lemoga seabe sa gagwe se se neng se sa belaetse ka gope mo tirong ya moepo.” Rre Majaha a re le fa borra-Mpho ba le mo kutlobotlhokong le mo pitlaganong ya go latlhegelwa ke ngwana wa bone, se se botlhokwa ke gore ba gomotsege. Rre Onkabetse Radikoro wa kompone ya Kalcon e neng e tlhapile moswi o supile fa le bone ba amilwe thata ke loso la ga Rre Mpho. A re le fa ane a le mosha mo tirong, o ne a le boineelo, a le tlhaga. Rre Radikoro a re ditlhotlhomiso di tsweletse go bona se ba bakileng kotsi e gapileng botshelo jwa moswi. O supile gore ditlhotlhomiso di dirwa ke ba sepodisi sa Botswana, lephata la meepo le bangwe boitseanape ba ba tswang kwa mafatsheng a sele. Mokhanselara Makoko wa kgaolwana ya Shoshong Bokone a rele fa moswi e le monana o nnile le seabe se setona mo phathing ya Domkrag. O sale a nnile leloko a le dingwaga di le lesome le borataro, e ne ele leloko la motia a dira ditiro tsa phathi e seng a ikgantsha ka boloko fela, o nnile se seabe se se tona mo go tlhabololeng lefatshe le, ga tlhalosa mokhanselara Makoko. Rre Moemedi Shakes Isaiyah Mpho o tlhokafetse a le dingwaga tse di masome mabedi le bobedi. O nale dingwaga tse di lesome le botlhano e le leloko la motia la kereke ya African Born Full Gospel Apostolic Church mme yare morago ga kolobetso a apeiswa seaparo le go fiwa leina la Isaiyah. BOKHUTLO society 9 Banni ba akgola puso Banni ba Dikgonnye mo kgaolong ya Kgatleng ba lebogile puso go bo e goketse motlakase mo motseng wa bone. Fa a bua mo phuthegong e e neng e buisiwa ke maphata a puso a a farologaneng, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Kgotso Motlhabane o supile fa ba gokeletswe motlakase morago ga gore ba ikuele mo pusong. A re ba lebogela puso go tla ka lenaneo la Tirelo Sechaba ka jaanong ditiro tsa bone di tsamaya sentle gonne ba thusa mo maphateng ka go farologana. Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole se sebotlana sa Dikgonnye, Rre Sebilong Motlhaping o supile fa motlakase kwa sekoleng o tsisitse pharologanyo e ntsi gonne thuto ya segompieno e tlhokana le one. Le fa go ntse jalo, a re o tshwenngwa ke go tlhoka motshine o o ntsifatsang dipampiri. Mme Lydia Keatlholetswe go tswa kwa ofising ya ga molaodi o rotloeditse batho ba ba tshotsweng ka 1966 go tsenelela mmabontle le rabontle e le tsela ya go itumelela go ipusa ga lefatshe leno go ya kwa ngwageng wa 2016 fa Botswana a tlaa bo a le dingwaga tse di masome a matlhano. O supile fa mo kgaisanong eo, mofenyi a tlaa atswiwa ka P5 000, maemo a bobedi e le P3 500 mme wa boraro ene a tlaa itswela ka P1500. A re ba ba tlaa bong ba sa fenya ga ba na go tswa ba iphotlhere ka le bone ba tlaa atswiwa ka P700 mongwe le mongwe. Mme Keatlholetswe o rotloeditse kgaolo nngwe le nngwe go dira kgaisano eo, a tlhalosa fa botlhe ba ba fenyang mo dikgaolong tsa bone ba ya go gaisana le ba dikgaolo tse dingwe. A re kgaisano eo e tlaa dirwa ngwaga le ngwaga ka Lwetse go fitlhela ka 2016. E ntse e le kwa phuthegong eo, Mme Mariam Maseke go tswa kwa lephateng le le itebagantseng le go jesa bana ba dikole tse dipotlana le dikokelo, o supile fa a sa itumedisiwe ke dijo tse di nnang di senyega mo dikoleng le mo dikokelong gonne o tlhalosa fa ba tsisa dijo tse di lekaneng palo ya bana, jalo o ipotsa gore ke eng go nna le tse di senyegang. O tlhalositse fa ngwana yo a fitlhetseng go se na dijo nako ya sekale a na le tetla ya go ya go phaka dijo tseo fa di setse di le teng. E ne ya re ba akgela, banni bolela fa ba sa itumedisiwe ke tsela ya motse wa bone ka e ba senyetsa dikoloi, ka jalo ba kopa molaodi go e tsibogela. Ba boletse fa ba se na koloi mo kokelong mme ba tlhalosa fa ba dirisa tsa bone fa go na le molwetse yo o tshwanetseng go isiwa kwa kokelong. BOKHUTLO politics 7 Balemi-barui ba Bokaa ba amogana maele Modulasetilo wa komiti ya balemi kwa Bokaa, Rre Samuel Machailo o rotloeditse balemi-barui go dirisana mmogo go godisa serodumo sa temo mo Botswana. Rre Machailo o ne a bua kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la balemi ba Bokaa a tlhalosa fa thobo e farologana go ya ka dipaka tsa yone. O tlhalositse fa go farologana ga dipaka go dira gore thobo le yone e seka ya tshwana, a tlatsa ka go re fa balemi-barui ba ka nna le tirisano mmogo go ka sologela balemi botlhe molemo ka ba ka amogana se ba nang le sone go rotloetsana go tswelela ka temo. Rre Machailo o tlhalositse fa e se la ntlha ba tshwara moletlo wa sebopego se mme ba amogana dithuto tse di farologaneng ngwaga le ngwaga go lebogela Modimo thobo e ba e boneng. O tlhalositse fa dikgwetlho tsa temo di sa batle go lebagana le motho a le mongwe, ka jalo moletlo o o thusa balemi go ithuta le go amogana boitseanape ka dikgwetlho tse di amang balemi. O boletse fa go na le dikomiti tse di farologaneng go fokoletsa maphata a puso tiro jaaka mokgatlho wa barui ba ba rekang melemo go fokoletsa bakenti tiro. Sebui sa tlotla, Rre Monty Chiepe o kgothaditse balemi go tlhoafalela tiro ka e le yone e ka ba tsisetsang khumo, a tlatsa ka go re bontsi jwa batho ba simolola temo-thuo fa ba tlogela tiro ka bogodi. O tlhalositse fa temo-thuo e tlhokana le batho ba ba itekanetseng mo mmeleng gore ba tle ba kgone go dira ditiro tsa letsatsi tsa kwa merakeng le kwa masimo. Rre Chiepe o kopile batsadi go kgothatsa bana go simolola temo-thuo ba sale banana e seng go ba tlogelela leruo ba re ke boswa ka se se dira gore ba rekise leruo ba dirise madi botlhaswa. O kopile balemi gore ba amogane dikitso go tswelela ka se se ka ba thusa go godisa temo-thuo le go itirela letseno ka ba ka ikokoanya go dira dikgwebo ka boitsenape jo mongwe le mongwe a tlang ka jone. O tlhalositse fa a na le mananeo a leruo kwa polaseng ya gagwe mme a ikaeletse go thusa Batswana ba ba nang le kgatlhego go dira thuo kgwebo. Rre Lucky Masike wa lephata la tsadiso ya leruo o tlhalositse fa barui ba sa supe kgatlhego mo go itseng ka leruo mme ba tshepha badisa go ba tlhokomelela meraka. O ne a tlatsa ka go re go botlhokwa gore leruo le itse mong wa lone le ene a le itse go itsa bogodu. O tlhalositse fa barui ba sa itse ka tlhokomelo ya leruo ka dipaka tsa ngwaga mme a ba gakolola go tsenelela dithuto kwa diofising tsa leruo, a tlatsa ka gore barui ba fa leruo moroko mariga mme go sa siama. Rre Masike o kopile balemi go ithuta ka dijo tsa kgomo gore e tle e kgone go ba busetsa. O tlhalositse fa kgomo e tshwanetse go ja botala ka bo na le dikotla tse dintsi. ENDS society 9 Mokhanselara o kgothatsa morafe go ikemela ka dinao Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o tlhomameseditse banni ba Shoshong gore puso ga e na maikaelelo a go ikokeletsa lebaka la go busa. Dr Masisi a re go botlhokwa go tlhalosetsa morafe gore lebaka le puso ya gagwe e neng e le filwe go tsamaisa lefatshe le tla kwa bokhutlong, ka jalo go tla nako ya gore setshaba se itlhophele puso e nngwe. E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Shoshong bosheng, Dr Masisi a re setshaba se tsaya karolo ee botlhokwa mo go nosetseng puso ya batho ka batho ka go tlhopha phathi ya sepolotiki e ba dumelang gore e ka diragatsa dikeletso tsa bone. “Bagaetsho nako ya go itlhophela puso e gorogile. E tla re ka kgwedi ya Phalane le bo le fiwa sebaka sa go dira jalo ka tlhopho,” ga tlhalosa jalo Dr Masisi. O lebogetse botlhe ba ba ikwadisetseng ditlhopho, a tlhalosa fa ba lemoga botlhokwa jwa go tsaya karolo mo ditshwetsong tse di nosetsang puso ya batho ka batho. Le fa go ntse jalo, Tautona Dr Masisi o kopile ba ba ikwadisitseng go nna kelelelo gore ba tlhophe sentle ebile ba tlhophe baemedi ba ba nonofetsheng go tsamaisa puso. “Tlhophang sentle, tlhopho le puso ya batho ka batho ke mokwatla wa lefatshe. Re tlotla puso ya batho ka batho ebile re a e obamela ka e mo molaong, ka jalo re tshwanetse ra o sala morago,” ga bua jalo Tautona. O ne a lebogela banni ba Shoshong go nna le seabe mo go nosetseng puso ya batho ka batho. “Re leboga gore le ne la dirisana sentle le rona le sa re swabise. Ledula le kagiso tse di renang mo lefatsheng le, di noseditswe ke lona,” a tlhalosa jalo. Dr Masisi a re kagiso e bopiwa ke morafe, magosi le bo ralekgotla. O supile gape fa go le botlhokwa gore a leboge ba a dirang le bone, ba a dirileng le bone, le bone ba ba ganetsang puso ya gagwe tota. Dr Masisi a re seabe sa kganetso se botlhokwa thata mo go nonotsheng puso ya batho ka batho. O gakolotse banni go ngangatlela kagiso le go itse fa mafoko a kgotla a le mantle otlhe. “Ntwakgolo ke ya molomo, le seka la raelwa ke ope mme la feretlha kagiso e re tshelelang mo go yone,” ga ikuela Dr Masisi. A re fa nako ya puso e tla bokhultong ke tshwanelo ya gore baeteledipele ba boele kwa setshabeng gore se kgone go dira tshwanelo ya sone ka go tlhopha barongwa ba ba batlang go tsamaisa merero ya setshaba. Tuatona Dr Masisi a re diphathi tsa sepolotiki ka go farologana di tsweletse ka ipapatsa. “Ba ba tlang kwa go lona ba reetseng botlhe mme le ba reetse ka tlhwaafalo. Le tlhophe goromente yo tla etelelwang ke tautona yo le mmatlang.” Dr Masisi a re le ntswa puso ya gagwe e tla kwa bokhutlong jwa thomo ya yone, e tsweletse ka tiro ya go direla setshaba. environment 5 Thuto e tshwanetse go nna boikarabelo jwa batho botlhe Thuto ke boikarabelo jwa botlhe; bana, batsadi, bogogi jwa motse ga mmogo le dikomiti tsa motse. Mafoko a, a boletswe ke mogolwane wa thuto kwa kgaolo ya Legare, Rre Elijah Motlhabi kwa moletlong wa kabo dimpho wa sekole se sebotlana sa Kgamane kwa Shoshong bosheng. Rre Motlhabi a re go botlhokwa go tshwaraganela thuto ya ngwana gore maduo e nne a a nametsang, ka jalo mongwe le mongwe o nale seabe fela se segolo. A re nako e fitlhile gore batsadi ba seka ba baya fela mo barutabaneng mme ba tshwanetse go tsenya letsogo gammogo le bogogi jwa motse. O tlhalositse fa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse di tshwanetse go tsenya letsogo go bona gore dikole tsa metse di dira jang, a tlatsa ka gore tiro ya bone fa se go tlhabolola motse fela mme ba tshwanetse go bona gore sengwe le sengwe se tsamaya ka thelelo gore ban ne le motlhala yo o bonalang. Rre Motlhabi a re dikomiti tse, di tshwanetse go bereka gape le dikomiti tsa batsadi le barutabana go bona gore go diragalang mo dikoleng. O ne a tlhalosa gore go na le komiti ya lefatshe lotlhe ya batsadi le barutabana e e kopanang ngwaga le ngwaga go bona gore tsamaiso ya dikole e ntse jang e bile e ka tokafatswa jang. O ne a kopa gape dikompone le dikereke go ema ka dinao go bona gore thuto ya bana e a tokafala a tlhalosa gore puso e ka se kgone e le nosi. A re baithuti ba pele le bone ba tshwanetse go nna le seabe mo thutong ya bomonnaabone bone go bona gore bat le ba kgone go tsaya malebele mo go bone. Fa a itibaganya le baithuti, Rre Motlhabi o ne a kopa bana go tsaya thuto ka tlhoafalo el go bona gore a mme thuto e ba e rutiwang k eke yne sentle mme ban ne le seabe ka fa ba batlang go rutiwa ka teng. Le fa go ntse jalo, o ne a ba gakolola gore maitseo namane ya moroba, a re ban aba malatsing a maitseo a bone a a tlhaela k aba inaakantse le nnotagi ga mmogo le diritibatsi ba sale bannye. Rre Motlhabi o ne a ba kopa go ikgapha mo dilong tseo ka ba sale bannye mme ba itebaganye le thuto ya bone gore ba kgone go ipetlela isago e e siameng. O ne a kgothatsa gape le barutabana gore e re le ntswa ba berekela mo dikgwetlhong tse di bokete di tshwana le letlhoko la boroko, didirisiwa gammogo le go tlhoka fa ba rutelang teng, ba itshoke ka puso le yone e dira ka gotlhe go bona gore tshotlhe di apara tshiamo. Rre Motlhabi o ne a kgothatsa gape le batsadi gore dikole tsa ditiro tsa diatla di teng mo lefatsheng, mme fa ngwana a sa kgone dithuto tse dingwe mme a kgona tsa tiro ya diatla ba seka ba mo akgela matsogo mme bam o rotloetse go di sala morago. A re nako e tsile jaanong ya gore bana ba rotloediwe gore dikole tsa ditiro tsa diatla di teng mme e bile ba kgona go ya kwa go tsone, a tlatsa ka gore ba seka ba kgobiwa mme ba rotloediwe ka gongwe b aka tswelela ba felele ba tlhametse ba bangwe ditiro mo dikgwebong tsa bone. E rile a tswa la gagwe, mogokgo Mme Agnes Makwati a tlhalosa fa moono wa letsatsi e le go lemoga go dira ka thata, go ititaya ka thupana le maduo a mantle a ban aba sekole sa bone. O ne a tlhalosa fa sekole sa bone se tsweletse ka go dira ka thata ngwaga le ngwaga mo maduong a bone, a tlatsa ka gore le mo metshamekong le mabelo ba dira ka botswa pelo ka e bile ba tlhola ba felela ba ile kwa dikgaisanong tsa kgaolo. Le ene fela jalo o ne a kopa batsadi gore ka go twe kgetsi ya stie e kgonwa ke go tshwaraganelwa, ba eme ka dinao go ba thusa go bona gore maduo a bana ke a a eletsegang. O ne a tlhalosa gape gore e re le ntswa ba leka ka gotlhe e le barutabana, ba na le dikgwetlho tse dintsi di akaretsa letlhoko la boroko, letlhoko la ofisi a tlatsa ka gore ba dirisa kamoro e e banyanag dithoto, letlhoko la matlwana a boitapoloso gammogo le matlo a borutelo a a agilweng ka mmu a jaanong a jewang ke motlhwa. BOKHUTLO education 4 Emelang kgaolo ka dinao Modulasetilo wa Botswana Democratic Party (BDP), Rre Slumber Tsogwane o kopile maloko a phathi eo go lwela thata kgaolwana ya Makalamabedi/Motopi mo ditlhophong tse di tlang. Rre Tsogwane o buile se kwa Makalamabedi fa a supa ntlhopheng wa bokhanselara jwa kgaolwana eo. A re kgaolo e tswa kgakala e tshegeditse serodumo sa BDP mme a kopa banni go baakanya seemo mo ditlhophong tse di tlang. A re maikaelelo a ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi ke go senka methale e e ka nontshang le go isa itsholelo kwa godimo ka go aga botsalano le mafatshe a mangwe. Rre Tsogwane, yo gape e leng Mothusa Tautona wa Botswana, a re puso ya BDP, e na le mananeo a a nonofileng ebile ke ya batho ka batho e e tlhaloganyang gore Batswana ba tlhoka eng. A re puso ya nako eno ke e e nang le morero le Batswana, go buisana le bone ka dilo tse di ba amang jaaka go bulelwa ga letsomo a supa fa ba buile le banni mme letsomo le tlaa boela. Rre Tsogwane a re therisano le banni ba Khumaga le Moreomaoto ka terata e e kgaoganyang diphologolo le leruo e tlaa tswelela mme go santse go sekasekwa diterata ka mefuta kwa mafatsheng a mangwe. A re puso ya BDP ke ee neelang Batswana dithata a supa fa banni ba kgaolo ba tlaa lalediwa go tsena mo dikgwebong tsa makgobokgobo. Rre Tsogwane o supile fa puso e tsweletse ka go dira ditlhabololo mme e le mo lenaneong la go aga sekole se se rutang metshameko. A re kgaolo le yone e gatetse pele mo tlhabololong di akaretsa kokelano kwa Makalamabadi, katoloso ya kokelwana ya Moreomaoto le sekole sa Moreomaoto brigade. O boletse fa tsela ya Makalamadi/Motopi e bonetswe madi mme tsholofelo e le gore e ka simololwa mo bogaufing. Rre Tsogwane a re maiteko a mangwe ke tlhama lekgotla la setshaba kwa kgaolong eo e e reketsweng ditekere tse pedi le didirisiwa tsa tsone. Mothusa Tona wa temo thuo, Rre Konstantinos Markus o tlhalositse fa Tautona a ba romile go bapatsa BDP, ba dira jalo ka botho le maitseo. Rre Markus a re Tautona o tsweletse ka go baakanya dingwe, a rerisana le Batswana jaaka a dirile ka kgang ya ditlou le letsomo a re ba seka ba tsiediwa ke diphathi tsa kganetso ka ditsholofetso tse di senang motlhala. Rre Markus o kaile ntlhopheng wa Makalamabedi / Motopi, Rre Ontiretse Kabalele e le motho yo o boikanyego mo phathing ebile a tswa kgakala le yone. A re Rre Kabalele ke monana yo o nang le bokgoni jwa go nna moeteledipele Rre Markus o kopile maloko a BDP go mo ema nokeng go tseya kgaolo mo diatleng tsa UDC. Fa a tswa la gagwe, Rre Kabalele a re o dumela fa a nonofile go nna mokhanselara wa kgaolo ka a tlhaloganya dilelo tsa banni. Rre Kabalele a re o dumela gore o ka kgona fela ka kemo nokeng le tirisano nabo mme a ba kopa go mo tlhopha gore a kgweetse mananeo a phathi e e busang. BOKHUTLO politics 7 Baithuti ba baoki ba abela motlhoki E ne ya re bosheng baithuti ba baoki go tswa kwa sekoleng sa booki sa Serowe ba ba neng ba tsile go tsweledisa dithuto tsa bone kwa kokelwaneng ya Lerala ba abela lelwapa lengwe le le tlhokileng lesego pompo ya metsi kwa motseng oo. Baithuti bao ebong Borre Onalethata Nkari, Kgomotso Gaabetwe, Calvin Kwitshane le Mme Tuduetso Mokgathi e ne ya re fa ba abela Mme Dikeledi Ralobe pompo kwa kgotlaneng ya Mathalagane ba bolela fa se e le nngwe ya ditiro tsa bopelo tlhomogi tse ba dumelang fa go le botlhokwa go di diragatsa mo setshabeng e le badirela puso. Baithuti ba ba tlhalositse fa ba ne ba le mo ithutuntshong ya dikgwedi tse tharo mo kokelwaneng ya Lerala mme ba bona go le matshwanedi gore ba tlogele sekao sa bone e le ba botsogo ka go tsenyetsa Mme Ralobe pompo ya metsi ka ba ne ba itemogetse fa go na le letlhoko mo lwapeng leo. Mo boemong jwa baithuti ka ene, Rre Nkari o tlhalositse fa metsi e le botshelo a na le karolo e tona e a e dirang mo botsogong jwa motho. Ka jalo o boletse fa ba dumela gore mpho e ba e fileng lelwapa la ga Mme Ralobe e tlaa tlhofofatsa matshelo a bone le botsogo jwa bone. Baithuti ba ba ne gape ba tsholetsa selebego sa kokelwana ya Lerala ka go dira mokwalo fa pele ga yone. Ka thuso ya ba ofisi ya mopalamente wa Lerala/Maunatlala baithuti ba boletse fa ba ne ba kgona go kokoanya dimpho di akaretsa dikobo, diaparo le ditlhako tsa bana tsa sekole tse le tsone ba neng ba di abela lelwapa la ga Mme Ralobe. Ba bile ba lebogela thotloetso le kemonokeng e ba e filweg ke Kgosi Ookeditse Shaw kgosi wa Lerala, mokhanselara wa Lerala Botlhaba Rre Kabo Ketshogile le ba koporase ya metsi mo Lerala. Mme Ralobe o ne a amogela dimpho tseo ka lorato a supa fa a na le dingwagangwaga a nna ntleng le pompo ya metsi mo lwapeng la gagwe. Ka jalo o ne a lebogela maiteko a a dirilweng ke bone jo ka go bo ba bone go tshwanela gore ba mo tswe thuso a kgone a tsenyediwe pompo ka bofefo. O ne a ba eleletsa masego le katlego mo dithutong tsa bone a bo a ba rotloetsa gore ba tshware fela jalo le kwa ba tlaa bong ba ya go berekela teng ba nne ba direle setshaba. society 9 Kwa Botepetepe ba tshogela loruo Balemi-barui ba Botepetepe kwa Serowe Bokone ba mo letshogong la botsogo jwa bone le dikgomo tsa bone. Ba re phaephe (pipe) ya kgopho ya metsi a a leswe a a tshelwang mo letsibogong le le mo molapong o o fetang mo masimong a bone ga e ba jese diwelang, ka seemo se se baya dikgomo tsa bone mo diphatseng le one matshelo a batho tota. Ba re dikgomo tsa bone ga di a sireletsega mo bolwetseng jwa mabele ‘cattle measles ’ka di e nwa metsi ao. Ba supile se mo phuthegong e e neng e buisiwa ke Mothusa tona wa thuto le tlhabololo dikitso,Rre Kgotla Autlwetse, bosheng. Mongwe wa ba ba supileng letshogo le,Rre Ishmael Matsetse o ne a supa gore metsi a a leswe a a borai ka a ka tsenya dikgomo tsa bone bolwetse jwa mabele. A re ntswa ba agile mantlwana a boiteketso go tila bolwetse jo mme jaanong metsi a a leswe a tshelwa mo molapong wa bone a busetsa maiteko a bone kwa morago. Batsena phuthego bane gape ba tlhalosa fa metsi ao a tshelwa gone fa ba tolang teng ka jalo le bone a ka ba ama. Mo go tse dingwe,balemi barui ba koo bane ba lela ka lenyora,bane gape ba kopa go direlwa motshela kgabo. Fa dikgang di eme jalo,Rre Autlwetse yo ebileng le Mopalamente wa Serowe Bokoni o ne a leboga balemi barui ba Botepetepe ka thomo ya bone ka go mo thopha ka dipalo tse di kwa godimo go gaisa, lefatshe lothe ka bophara. A re dipalo tsa dikete di fera bongwe, makgolo a marataro le lesome le motso(9611) ke kgwetho mo go ene gore a ikiteye ka thupana gore a seka a ba swabisa kgotsa go ikotlhaela thopho ya bone. O ne a ba tshephisa gore otla ba direla ka nata. Mopalemente o ne a tswelela ka go buisa diphutlhego kwa masimong a Hulwane Patwe le Taukome. BOKHUTLO environment 5 Boikgapho bo ka thusa Banana ba Otse kwa Kgaolong ya Borwa Botlhaba ba rotloediwa go ikgapha mo diritibatsing le nnotagi ka di ba senyetsa bokamoso. Se se boletswe mo pitsong ya botlhe e e neng e rulagantswe ke komiti ya Men Sector ga mmogo le lekgotla la Motor Vehicle Accidents (MVA) ka fa tlase ga setlhogo sa Ntwa Kgatlhanong le Tiriso Phetelela ya Nnotagi le Diritibatsi bosheng. Maikaelelo magolo a se e ne le go sekaseka ditlamorago tsa tiriso botlhaswa ya diritibatsi le nnotagi le go neela banni ba motse oo sebaka sa go tswa ka megopolo ya gore go ka dirwa eng go lwantsha seemo. Fa a simolola tiro ya letsatsi, moruti wa kereke ya Assemblies of God Ministries, Moruti Otlaadisa Motladiile o ne a tlhalosa fa batho ba bopilwe mo setshwanong sa Modimo, ka jalo go swabisa gore batho ba dire ka fa go sa tshwanelang ka teng. Moruti Motladiile a re motho ke ene a ka itlhophelang se a se batlang mo botshelong a sa laolwe ke sepe mme ga se gore sengwe le sengwe se a thusa. Mothusa Kgosi wa Otse, Kgosi Moreti Tshephe o boletse fa ba lemogile gore banana ba eteleditse nnotagi kwa pele, a tlhalosa fa tota dilo tse di tswa bogologolo, mme bone ba ne ba iphitlha ka ba ne ba supa maitseo fa pele ga batsadi ba bone. A re gompieno ga go rone go fitlhela monana a fapaanela phafana le bagolo, mme ba feletse ba le mo dikgogakgoganong tse gantsi di felelang di baka ntwa. Kgosi o ne a gatelela gore banana ba tsee dithuto ka tlhoafalo ba tle ba kgone go tlotlomatsa lefatshe la bone ba le ise kwa mankalenkaleng. Modulasetilo wa komiti ya Men Sector, Rre Lameck Gabakgorwe o ne a tlhalosa fa bogologolo bojalwa bo ne bo laolwa, bo na le dinako e bile bo dirisiwa e le kalafi. O boletse gore e rile fa bojalwa bo sa tlhole bo laolwa, tiriso botlhaswa ya jone ya ya magoletsa. Rre Gabakgorwe a re dingwe tsa dikai tsa gore motho o dirisa diritibatsi di akaretsa go itlhaola mo bathong, go tlogela tiro le sekole ga mmogo le go utswa. O ne gape a tlhalosa ditlamorago tsa go dirisa nnotagi botlhaswa di akaretsa bolwetse jwa sebete , dikotsi tsa tsela le lehuma disaster_accident_and_emergency_incident 2 Bagwebi ba Martins Drift ba tlaa batlelwa lefelo Tona wa Dipalamo le Ditlhaeletsanyo, Rre Kitso Mokaila a re bomme ba ba gwebang ka dijo kwa molelwaneng wa Martins Drift ba tlaa a batlelwa lefelo le le kgakajana le tsela le bo le tlhabololwa go bo go nna le melao e e le tsamaisang. Rre Mokaila o buile se kwa phuthegong e a neng a e tshwere le bagwebi bao kwa kwa molelwang wa Martins Drift bosheng. A re lefelo leo le tshwanetse le nne phepa e bile le siametse mongwe le mongwe. A re fa seemo sa lefelo leo se ka seke se tsibogelwe e tlaa a nna bothata fa go sena go wetswa borogo jwa Kazungula ka go tlaa a nna le koketsego ya dikoloi tsa megobagoba mo molelwaneng wa Martins Drift mme go ka nna borai gore bomme bao ba bo ba santse ba direla mo lefelong le ba direlang mo go lone gompieno ka dingwe dikoloi tseo di a bo di rwele leokwane. O tsweletse a tlhalosa fa phuthego ya gagwe le bagwebi bao e gwetlhilwe ke makwalo a a neng a a amogela go tswa kwa go boora Van Vurren ba e leng beng ba polase e bagwebi bao, ba direlang mo go yone ba supa ngongorego ka bone. A re ba ne ba supa fa go na le tshenyo e e diragalang mo terateng ya polase ya bone e bile ba tlhalosa gape fa go na le bangwe ba ba rwalelang dikgong mo go yone mo le terata ya polase ya bone e kgaolwa mme tshenyo eo e dirwa ke bangwe ba ba gwebang ka dijo gone fa molelwaneng. O tlhalositse fa lefelo le beng ba polase ba tlaa le ba adimang, le tlaa tsaya palo e e rileng mme go seke go nne le ba ba tlaa letlelelwang go tsena morago ga moo mme yo o tlaa boelang mo lefelong leo a tlaa ntshiwa. A re seemo se tloga se tswa mo taolong fa se ka seke se potlakelwe. Rre Mokaila a re o itemogetse fa bagwebi ba ba direlang fa molelwaneng oo e le bomme mme ba itshetsa ka go rekisa dijo. A re dikgang tsa go rekisetsa fa molelwaneng wa Martins Drift di matswakabele e bile di ama botsogo ka malwetsi a kgabaganya melelwane. A re lefelo leo bapile thata le tsela mme ga go a tshwanela gore go bo go ntse jalo ka go na le melao e e supang gore go ka diragala eng e bile go ka seke go diragale eng fa thoko ga tsela mme e tshwanetse e salwe morago. Kgwetlho e nngwe ya lefelo le bomme bao ba direlang teng ke gore go na le bangwe ba ba direlang teng e se Batswana mme ba itira e kare ke bangwe ba Batswana. Rre Mokaila o lebogile boora Van Vurren go bo ba dumetse go ba adima lefatshe le bagwebi ba tlaa direlang mo go lone. Rre Clinton Van Vurren o ne a supa fa bomme ba ba gwebang kwa Martins Drift ba dirisa polase ya bone mme go sena nako e ba kileng ba buisanya le bone ka seo. A re sekidi se ba direlang mo go sone, ga se a babalesega ka nako tse dingwe bangwe ba nwela majalwa mo go sone. A re go na le kgonagalo ya gore go diragale kotsi mo lefelong leo ka dikoloi tse di rwalang leokwane di ema teng mme gape go gotswa molelo. A re ba tshwenyega thata ka pabalesego ya bagwebi ba. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Molao o tshwanetse wa akaretsa botlhe Makhanselara a kgaolo ya Ghanzi a kopile gore ka ngwaga wa 2036 merafe yotlhe mo lefatsheng leno e akarediwe mo molao motheong wa lefatshe leno. Makhanselara a ntshitse maikutlo a bone fa pele ga maloko a a romilweng ke Tautona go tsaya megopolo ya tebelopele ya 2036 mo phuthegong ya khansele bosheng. Ba rile lefatshe leno ke la puso ya batho ka batho ka jalo merafe e thwanetse go lekana. Erile Mokhanselara Rre Gaditlhaolwe Sixpence yo o itlhopetsweng, a akgela a kopa gore go nne le pego e e supang gore tebelopele ya 2016 e kgonne eng e bile e supa dikgwetlho tse ba di bonyeng. Mokhanselara Sixpence a re pego eo ke yone fela e e ka ba neelang tsela le boammaaruri jwa gore fa ba ntsha megopolo ya bone ba bo ba bonye gore mo tebelongpele ya 2036 go tlhokafala eng. Mokhanselara wa Kalkfontein, Rre Alec Motlhopele ene o kopile gore ka ngwaga wa 2036 Batswana ba bonwe ele batho ba ba ekemetseng ba itirela sengwe le sengwe se baneng ba sedirelwa ke Puso. Mokhanselara a re Batswana ba tlogele go direlwa ke puso ka gore puso entshitse mananeo a aka kgonang go bantsha mo lehumeng ka jalo ba tshwanetse go ema ka dinao gore ba itirele le gone go tlhabolola lefatshe leno. Mokhanselara Mothopele o kopile gape gore ka ngwaga wa 2036 go akarediwe diteme tsotlhe mo Seromamoweng sa Botswana le mo BTV. A re kwa mafatsheng a a tshwanang le Namibia le Afirika Borwa go dirwa jalo. Mokhanselara wa Grootlagte Rre Ezekiel Kajuu o kopile gore ka ngwaga wa 2036 dikole tsa ithutelo ditiro jaaka tsa go ithuta booki di atumediwe mo dikgaolong gore di kgone go direla banana ba dikgaolo tseo ditiro. Mokhanselara Kajuu gape o kopa gore ka ngwaga wa 2036 molao tsamaiso wa Matlhabelo a lefatshe leno ( BMC) o o letlelelang fela BMC go rekisa nama kwa ntle ga lefatshe leno o phimolwe. A re molao oo fa o ka phimolwa ditlhwatlhwa tsa dikgomo di tsile go nna kwa godimo ka gore mmaraka o tlaa bo o le montsi ka gore Batswana bangwe ba ka rekisa dikgomo tsa bone kwantle ga lefatshe leno. Mokhanselara wa Bosele mo toropong ya Ghanzi, Rre Onalethata Ngati ene o ne a kopa gore ka tebelopele ya 2036 lekgotla le le tsamaisang ditlhopho le la DCEC a ikemele a tswe mo go tsamaisiweng ke puso. Erile mokhanselara Makgetse Modisana yo o itlhopetsweng a ntsha la gagwe, a kopa gore Batswana botlhe ba rotloediwe mo dingwaong tsa bone gore ba kgone go itshetsa ka tsone gape ba bonwe ka yone le go ipelefatsa jaaka morafe wa Baherero. A re morafe oo o somaretse ngwao ya bone sentle. Mokhanselara Modisana ,o ne a kopa gore ditlhabololo tse ditona di tsisiwe mo dikgaolong di seka tsa isiwa fela kwa ditoropong. A re mo kgaolo ya Ghanzi go tlhokafala lebala la mabelo a dipitse la maemo a a kwa godimo. Mokhanselara wa Ncojane, Baduetse Setswalo o kopile gore kgaolo ya Ghanzi e akanyediwe tlhabololo nngwe e e amanang le kgomo ka gore kgaolo ya bone ke ya dikgomo. economy_business_and_finance 3 Tiego e tshwenya mokhanserala Mokhanselara wa Gabane Mmankgodi Rre Ofentse Mafoko a re o tshwenyegile thata ka tiego ya lekgotla la kabo ditsha la Kweneng mo go dueleng phimolo dikeledi banni ba Mmankgodi ba ba sailing ba tsetse masimo ke lekgotla leo ka 2004. Erile fa a akgela mo phuthegong ya khansele ya Kweneng e e tsweletseng, Rre Mafoko a re lekgotla la kabo ditsha gape ga le ise le abele batho ditsha tsa bonno jaaka go solofetswe. E re fa go sa ntse go le jalo, mokhanselara wa Ledumadumane Bophirima, Rre Mothusi Kgomotso a re mo kgaolwaneng ya gagwe, batho ga ba ise ba neelwe ditlankana tsa ditsha tse ba neng ba di abelwa fa masimo a sena go tsewa. Rre Kgomotso a re se se tshwenya thata ka gore go kgoreletsa banni go tlhabolola ditsha tsa bone, selo se ba ka se direng fa ba sena ditlankana. O boletse gape gore batho bangwe ba sa ntse ba na le mokgwa wa go latlhela matlakala mo motseng le fa lefelo le go latlhelwang matlakala mo go lone le ntse le le teng. Makhanselara ka bontsi a ne a tswa ka mogopolo wa gore madi a dipaakanyetso boipuso jwa msome matlhano, a Bot 50, a anamisiwe le dikgaolwana tsa motse e seng dikgaolo (constituency) ka gore batho ba na le go tlogela ditoropo mme ba ye go kopana kwa magaeng a bone ka meletlo ya ipelelo boipuso. E re fa go sa ntse go eme jalo, mokhanselara wa Mahetlwe Rre Simon Maroane, o boditse gore a tsela ya mela e mene e e yang Molepolole, e tlaa tsisa tharabololo kana e tsile go oketsa mosuke wa dikoloi mo ditseleng, mme a ntsha mogopolo wa gore gongwe e kare e ise e dirwe, go bo go dirwa ditsela tse dingwe tse dipotlana tse di mo gare ga motse, tsone tse di tsenang mo tseleng e kgolo eo. Le fa go ntse jalo, Rre Maroane o ne a lebogela go nna teng ga lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP, a re o itumelela gore tsela e e mo kgaolong ya gagwe ya Molepolole-Mahetlwe e tlaa tshelwa sekontere, fa mokhanselara wa Gabane Mmankgodi, Rre Ofentse Mafoko ene a ne a itumelela go dirwa ga tsela ya Gabane-Tloaneng, e le yone e leng mo lenaneong la ESP ka go sa ntse go buisanngwa ka yone. BOKHUTLO society 9 Letsema le bolotse kwa Tati Siding Morafe wa Tati Siding kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba o boloditse letsema kgwedi eno e le malatsi a le marataro. Mo potsolotsong, Kgosi Simon Nkgageng wa Tati Siding o boletse fa tiro eo e ne tsenwe ke banni ba Tati Siding ba kopane le baruti ba dikereke ka go farologana. Kgosi Nkgageng a re ka lone letsatsi leo, morafe wa Tati Siding o ne wa tsaya ditshwetso dingwe jaaka gore ba seka ba lema ka pula ya sephai mme ba leme ka ya bobedi. A re dingwe tse go dumalanweng ka tsone ke gore go seka ga lengwa ka Labotlhano le gore ope fa a feditse go roba, a seka a tsenya dikgomo tsa gagwe mo tshimong go fitlhelela go rebolwa gore ba dire jalo. E re dikgang di eme jalo, Kgosi Nkgageng o kopile baratani go emisa mokgwa wa go nna mmogo ba sa nyalana, ka go felela go baka dintwa tse di sa tlhokafaleng. Kgosi o ne a ntsha kgalemo eo, morago ga tsheko e mo go yone Rre Edward Makwiwa wa dingwaga tse di masome a mararo le bone, a neng a sekisediwa molato wa go itaya mokapelo wa gagwe ka mabole mme a mo gobatsa mo tlhogong. Tiragalo eo e diragetse kgwedi ya Lwetse e tlhola ga supa mme mokapelo wa gagwe o ne a ya go alafelwa dikgobalo tse di potlana kwa kokelong ya Tati Siding. Rre Makhiwa o ne a pegiwa dithupa tse tlhano morago ga gore lekgotla le tseye tsia boikuelo jwa gagwe jwa gore kgolegelo e ka mmaya ka fa mosing, ka e le ene a tlhokomelang ngwana wa gagwe le mmaagwe. Fa a ntsha katlholo, Kgosi Nkgageng o ne a tlhalosa fa molato o o dirilweng ke Rre Makhiwa o ka mo romela kgolegelong ya lebaka la ngwaga, a re fela o tsere tsia boikuelo jwa gagwe mme a mo fa dithupa tseo gore a seka a tlhola a dira jalo gape. Bokhutlo politics 7 Lenaneo la ditlhabololo tsa Gaborone le rotswe Mogolwane wa Khansele ya Gaborone, Rre Nathaniel Maphoto, o roletse makhanselara a Gaborone lenaneo la ditlhabololo tsa Gaborone (Urban Development Plan IV 2017-2023) la dingwaga tse thataro. Fa a rolela Khansele ya Gaborone pego ya lenaneo leo, ka Laboraro, Rre Maphoto o nankotse dikgang tse di amang tlhabolologo ya toropokgolo le gore di tla rarabololwa jang mo lenaneong la ditlhabololo la NDP 11, fa madi a lekane. Rre Maphoto o tlhaloseditse makhanselara a Gaborone gore lenaneo le, le tla akaretsa go ntshafatsa ditsela tsa toropokgolo gammogo le goketsa matlo a bodiredi ba puso. Le fa go ntse jalo, makhanselara mangwe a supile fa ba sa itumelela gore dingwe tsa dikopo tsa bone, tsa ditlhabololo, ga di a akarediwa mo lenaneong. Fa a akgela, Mokhanselara wa Marulamantsi, Rre Sergeant Kgosietsile, o tlhalositse fa a sa jesiwe diwelang ke gore bontsi jwa dikopo tsa bone ga di a akarediwa mo lenaneong la ditlhabololo la NDP 11. “Ditsela, dipone tsa mo mokgwatheng gammogo le matlo a bodiredi ba puso ga di tlamelwe le go baakangwa ka nako. Toropokgolo le yone e ntse lefifi fela, e kare ga se toropokgolo,” ga bua Rre Kgosietsile. Mokhanselara wa Selemela, Rre James Matlhogojane, ene o supile ngongorego ya gore ga ba aka ba fiwa nako gore ba akgele mo lenaneong le pele le ka wediwa. A re ba gakgamadiwa ke go bona fela ba setse ba le rolelwa le wetse. Fa a ntsha la gagwe, Mme Rhoda Sekgororwane, yo e leng mokhanselara wa Tlogatloga, o kgadile a sa kgwe mathe seemo sa ditsela tsa toropokgolo, a re bontsi jwa tsone di tletse dikhutikhuti fela. Mme Sekgororwane a re o tshwenngwa gape ke gore banana ba lebaganwe ke kgwetlho e tona ya letlhoko la ditsha tse ba ka direlang dikgwebo mo go tsone, ntswa goromente a dirile lenaneo le ka lone ba ka thusiwang ka madi a go itshimololela dikgwebo. Le fa go ntse jalo, Mokhanselara wa Tlogatloga o lebogetse gore goromente o ntshitse madi a Bonnington Farm. Mo godimo ga moo, o rotloeditse gore mananeo a nyeletso lehuma a leke go tsenngwa leitlho go netefatsa gore a diragadiwa sentle ka fa go tshwanetseng a re bontsi ba one a saletse ko morago. Mme Batlhalefeng Letlhage, yo e leng Mokhanselara wa Block 6 le Block 7, ene o supile fa a sa itumedisiwe ke gore ba sale ba kopile go agelwa sekole se se botlana mo kgaolong ya gagwe, mme kopo ya bone e tsaya lebaka go diragadiwa. Mme Letlhage o gateletse gape gore batho ba mafelo a Block 6 le Block 7 ba tshelela fela mo lefifing, ka go sena dipone tsa mo mekgwatheng, a tlatsa ka gore kgaolo ya gagwe e tlhokana gape le go agelwa kokelwana. Mokhanselara wa Diphetogo ene, Rre Tshepo Moloko o kgadile mogopolo wa gore barutabana ba ka agelwa matlo a bonno mo mafelong a mo tikologong ya Gaborone, jaaka Mogoditshane le Tlokweng. Rre Moloko a re selo se, se ka kgoba barutabana marapo ka jalo ba ka se kgone go dira tiro ya bone le go thusa bana ba dikole ba phuthulogile ka ba tlaabo ba nna kgakala le dikole tse ba rutang mo go tsone. A re ba agelwe matlo a matlhatlhaganyane mo dikoleng gore ba tle ba kgone go dira tiro ya bone ba phuthulogile. BOKHUTLO politics 7 Saint Hosana e rotloetsa itlhatlhobelo mogare E re ka puso e tswa kgakala e kopa dikereke go nna le seabe mo go thuseng go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV, ba Saint Hosana kwa Chadibe ba supile seabe sa bone ka go letlelela ba kokelwana ya Tlhalogang mo Chadibe go tla go ba tlhatlhobela HIV kwa kerekeng E sale beke tse pedi tse di fetileng, ba kokelwana eo ba ntse ba tlhoma tante fa kerekeng Sontaga mongwe le mongwe go tlhatlhobela maloko mogare. Mo potsolotsong le A re fa maloko a itse seemo sa bone go ka thusa gore ba bone dithuso jaaka diARV nako e sale teng le go anywa dithuto tsa gore ba itshware jang fa ba tshwerwe ka mogare le fa ba sena nao. A re tiro e ntle e e dirilweng ke ba kokelwana ya Thalogang e mosola ka ba kgonne go tlhatlhoba palo e ntsi ya batho, e bile se ba se dirileng e le go isa ditlamelo kwa bathong. A re ga se mongwe le mongwe yo o ka kgonang go ya kokelwaneng go itlhatlhoba fa gare ga beke ka ntlha ya ditshwarego tsa botshelo, ka jalo kgang e e thusitse maloko a kereke ya gagwe gore ba bone monyetla wa go itlhatlhobela mogare. Arch-Bishop Olaotse o ne a tlhalosa fa e le ba kereke ya Saint Hosana ba aga ba rerela maloko lefoko la Modimo, ba kgala dilo tse di duleng mo tseleng jaaka go nna le bakapelo ba bantsi le go itlhaganelela tlhakanelo dikobo ga banana. A re dilo di tshwana le kgokgontsho ya bong di tshwanetse go rutwa mo dikerekeng di bapisiwa le lefoko la Modimo, ka le tsone di ka rotloetsa kanamiso ya mogare. A re ba butse dikgoro ka nako tsotlhe, ka jalo ba botsogo ba gololesegile go ka ba tsisetsa mananeo kwa kerekeng mme a rotloetsa dikereke tse dingwe gore le bone ba bulele ba botsogo dikgoro fa ba batla go tsisa ditlamelo gore maloko a akole dithuso le dikgakololo tse tsa mahala. O ne a kgala bangwe baeteledipele ba dikereke ba ba kganelang maloko go tsaya kalafi go balelwa le dipilisi tsa di ARV. A re jaaka mmuso o tlhalositse, ga go na kalafi ya AIDS, ka jalo kgang ya gore baruti le baporofiti bangwe ba kgona go alafa bolwetse jo ke ditsiabadimo fela. E rile a ntsha la gagwe, moeteledipele wa banana ba Saint Hosana Rre Mohumiemang Mothobi le ene o ne a galaletsa maiteko a ba kokelwana ya Thalogang. A re banana ba kgonne go itlhatlhoba ka dipalo tse di kwa godimo, e bile ba amule dithuto tsa badiri ba kokelwana. A re itlhatlhobelo mogare e ne ya ngoka le bangwe ba dikereke tse di gaufi tota, go supa fa e le ruri se e le maiteko a mantle a a dirilweng ke kokelwana. A re ba tsile go tswelela ka go nna ba rutana ka boitsholo jo bontle mo komiting ya banana gore e re ka moso ba bo ba le tšhaba e e itekanetseng. Rre Mothobi o ne a tlhalosa fa keletso ya gagwe e le go bona ba kokelwana e ba tlhatlhobela batho mogare gape kwa ba leng bantsi teng jaaka kwa metshamekong, kwa diphuthegong tsa kgotla jalo le jalo. health 6 Ba re mananeo ga a salwe morago Banni ba Rakops kwa kgaolong-potlana ya Boteti ba re go tlhoka go salwa morago ga mananeo a puso ke gone go dirang gore a seka a tswelela sentle. Banni ba buile jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente Slumber Tsogwane bosheng. Banni ba ne ba lela gape ka lebala la difofane le ba reng le sale le tserwe mo go bone, ba kopile gape ofisi ya poso. Rre Tsogwane yo gape e leng tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, o ne a supa fa puso e ntsha madi a mantsi a mananeo ka maikaelelo a go ntsha Batswana mo lehumeng. Tona Tsogwane o ne a tlhalosa fa mathata e le gore bontsi jwa batho ba ba filweng mananeo a ga ba a tlhokomele. A re seemo se se holodisa maikalelo a puso a go ba ntsha mo lehumeng le go tswakanya itsholelo. Mongwe wa banni, Rre Galeitsiwe Kaisara a re letlhoko la ditiro ke lone le dirang gore banana ba amege mo borukutlhing. Rre Gaboitatolwe Jenjele a re puso e na le seabe mo kgannyeng ya gore maduo a bana ga a itumedise ka gore didirisiwa tsa thuto di a tlhaela. Rre Jenjele a re mananeo ga a salwe morago, seemo se areng se dira gore batho bangwe ba a fiwe gabedi. Rre Galemphete Sethapelo ene o supile fa ditlou di na le seabe mo go phutlhamiseng maikaelelo a go thusa setshaba go tswa mo lehumeng ka temo-thuo. Rre Sethapelo a re ba thusitswe ka lenaneo la go agelela masimo a a kopanetsweng, a tlhalosa fa ditlou di kgaotse terata. A re le fa ba leka go baakanya, go tshwana fela ka di boa di e kgaola, a re le fa go ntse jalo ba lephata la diphologolo ga ba tsibogele dipego tsa tshenyo ya diphologolo. Mo dikgannyeng tse dingwe mogolwane wa meepo ya Orapa Letlhakane le Damtshaa, Rre Sethole o ne a rolela Tona bese e potlana ya sekole se sebotlana sa Tsienyana ya madi a P700 000. Rre Sethole o boletse fa bese e e ya ba-na-le bogole e tsentswe didirisiwa tse di dirang gore dikolotsana tsa bone di pagame motlhofo. Rre Sethole a re go ne go kopilwe gore khamphani ya bone e tseye sekole, mme ka ba ne ba setse ba tsere sa Mokobaxane, ba bona go le botlhokwa gore ba ba direle sengwe. E rile a lebogela mpho eo, mogokgo wa sekole se se botlana sa Tsienyane, Rre Geresome Mmusi a supa fa mpho e e le ya seemo se se kwa godimo, e bile e ya go dira pharologanyo mo matshelong a bana ga mmogo le go tsisa monyenyo mo difatlhegong tsa bone. Rre Mmusi a re bangwe ba bana ba, ba ne ba sa kgone go tsena sekole sentle ka lebaka la gore go ne go sena se se ba tsayang ko malwapeng. Bokhutlo society 9 Palapye o golela pele Palapye ke mongwe wa metse e godileng thata mo lefatsheng la Botswana mme e bile o supa fa o tla tswelela o gola. Motse o o simologile o le fa seporong sa terena kwa go bidiwang Palapye wa bogologolo tsatsi jeno mme gompieno o aname dintlha tsotlhe. Dipalo tsa batho ba motse o, di tsweletse ka go gola. Palo-batho e e dirilweng bosheng ka ngwaga wa 2011 e supile fa batho ba Palapye ba le 46 000. Le fa go ntse jalo, dipalo tse di tsweletse ka go golela pele ka selekanyo se sekwa godimo, mme potso e ka nna gore, ka goreng? Mothusa kgosi ya Palapye, Kgosi Masego Olebile, o tlhalositse fa bontsi jo bo thologelang mo Palapye bo ngokiwa ke ditlhabololo tse di tsweletseng ka go tla ka mmetela mo motseng wa gagwe. A re Palapye o fetogile fela thata, ga a sa tlhole a lebega jaaka Palapye wa bogologolo yo o neng a itsege ka ‘seteishane’. A re Palapye o tswa kgakala ele makgatlhanela thapong, banni ba motse o ba ne ba itshetsa ka go rekisa dijo, majalwa le tse dingwe fa maemelong a diterena. Bontsi jwa barekisi e ne e le ba ba tswang ntlheng ya Tswapong. Kgosi Olebile a re batho ba metse e gaufi jaaka Serowe ba ne ba lemoga fa kgwebo e le ntsi thata mo Palapye mme ba kgatlhegela go nna teng. E ne yare go ntse go tsweletse, mo dingwageng tsa bo 1930, batho ba ne ba oketsega ka bonya ka bonya mme ba nna le kgosi e ba laolang. Go ne ga ntshiwa moemedi wa kgosi go etelela morafe oo, ebong Kgosi Mokgwane. Kgosi Mokgwane o ne a kgobokanya batho a dira setlhopha se le sengwe. Ka ngwaga wa 1937, Kgosi Olebile a re ga bo go tsisiwa mothusa kgosi a bidiwa Segotso Ngwato, yo o neng a tsile mo thomong ya ga Kgosi Tshekedi. Kgosi Ngwako o ile a tla le bomonnawe ebong Kediretswe Ngwako le Ungwang Ngwako. Ka ngwaga wa 1958, motse wa bo o fuduga kwa Old Palapye go tlolela seporo ntlha e ngwe. Go ne go na le dikgotla di le nne fela ka ngwaga oo. Dikgotla tse e ne e le Boikago, Serorome, Madiba le Lotsane mme di tlhamilwe ke Ngwako le bomonnawe mme tse dingwe jaaka Thomadithotse, Khurumela tsa tla kwa morago motse o ntse o tsweletse ka go gola. E rile ka ngwaga wa 1995 ga tla morwalela o mashetla o ileng wa senya dilo di le dintsi jaaka mantlo le batho ba le bantsi ba latlhegelwa ke matshelo. Morwalela o o ne wa kgaoganya batho wa ba wa kgaoganya le motse, bangwe ba ne ba nna kwa go leng kwa godimo, kwa gompieno re bonang Kgotla ya Khurumela teng. Ka ntlha e, go ile ga tlhamiwa dikgotla tse dingwe gape mme palo ya dikgotla mo Palapye e ne ya oketsegela kwa go lesome le boraro. Ka ngwaga wa 2005, ga nna le bontlha bongwe jwa Palapye jo bo bidiwa di-extension. Di-extension di laolwa ke dikgosi tsa dikgotla tse di farologaneng gone mo Palapye. Extension 6 le 7 di laolwa ke kgotla ya Serorome. Di-extension tsotlhe ka palo di lesome. Ditlhabololo le dikgwebo mo motseng wa Palapye le tsone di ile magoletsa. Palapye mo bogompienong o ikgantsha ka sekole sa mmadikolo wa bobedi o itebagantseng le dithuto tsa maranyane. Dingwe tsa ditlhabololo tse di bonwang mo motseng wa Palapye ke moepo wa magala wa Morupule, madirelo a fetlhang motlakase a magolo mo lefatsheng leno a Morupule B, diofisi tsa mapodise tse di sha, madirelo a diphaephe tsa metsi, le tse dingwe tse di sa ntseng di dirwa di tshwana le madirelo a digalase. Bokhutlo society 9 Makgotla a Setswana le khansele a tiisa badiri moko Badiri ba makgotla a Setswana le ba khansele ya Kgalagadi mo Tsabong, e rile bosheng ba tshwara moletlo wa dijo tsa maitseboa le kabo dietsele kwa sekoleng se segolwane sa Tsabong go tiisa badiri moko go tswelela ba ntsha maduo a a kgatlhisang. Fa a bua kwa moletlong o setlhogo sa one e neng e le Thotloetso ya Bodiredi Kgatelo Pele mo Tokafatsong Maduo, mogolwane go tswa mo khanseleng ya Kgalagadi, Rre Joseph Banyatsang o ne a tlhalosa fa modiro wa go nna jalo o faphegile, ka jaana o dirisiwa go lemoga bokgoni jwa badiri ba tlhwatlhwa ba ba ka nowang moro mo ditirong tsa bone tse di farologanyeng. Rre Banyatsang o ne a tshwantshanya go dira ka bonatla ga badiri le peo e e jalwang mo mmung o o nonneng, o kwa phelelong o ntshang maungo a a monate a a eletsegang go ka jewa. Mo godimo ga moo, Rre Banyatsang o kaile fa kabo dietsele e le botlhokwa ka e kgothatsa le go rotloetsa babereki go tsenya marapo dinameng. Mokwaledi wa khansele ya Kgalagadi, Mme Baipelelang Photlokwe ene o ne a bolela fa badiri ba le botlhokwa mo go tlhabololeng le go isa ditirelo tsa maemo a ntlha kwa setshabeng. Mme Photlokwe o ne a tlhalosa fa temogo ya bonatla jwa badiri le go ba atswa ka dietsele go ba rotloetsa go itshekatsheka makoa le bokgoni. A re badiri ba ba kgothetseng ba thusa baeteledipele go tswa ka maele le ditharabololo tsa go thiba diphatlha tse di ka tswang di le teng. A re puso e tseela kwa godimo go ntsha maduo mo ditirong, ka jalo o ne a gwetlha badiri go dira ba le seopo sengwe le go ithuta maitlamo a puso. Mo mafokong a gagwe a kgothatso, Rre Kgomotso Jongman o boletse fa dietsele e le tsela nngwe ya go leboga ba ba dirileng botoka go gaisa ba bangwe. A re ka jalo, badiri ba tshwanentse go fetola ka fa ba dirang ka teng ka seo e le konokono mo go ntsheng maduo a a kgatlhisang mo ditirong tsa bone tsa tsatsi le letsatsi. Mongwe wa badiri yo gape a gaisitseng botlhe go tswa kwa lephateng la makgotla a Setswana, Mme Keletso Diphoko o ne a supa fa tshepo ya gagwe mo go ramasedi, boineelo le boitshoko go direla setshaba e le dilo tse di mo kgontshitseng go tswa mofenyi. BOKHUTLO society 9 Bulang dipolokelo tsa dibanka Mogololwane wa polokelo madi a mmuso kwa Mahalapye, Mme Mariah Molefe, o kopile makhanselara a kgaolo potlana ya Mahalapye go rotloetsa banni ba dikgaolwana tsa bone go bula dipolokelo tsa dibanka. Mme Molefe o buile se, fa a ne a buisa makhanselara a kgaolo potlana ya Mahalapye mo phuthegong e e tsweletseng mo Mahalapye bosheng. O ne a tlhalosa gore go botlhokwa fela thata gore banni ba bule dipolokelo ka jaanong puso e simolodistse lenaneo la go duela batho madi e ba tsenyetsa mo dibankeng la GABS. A re lenaneo le le diretswe gore jaanong batho ba tsile go amogela madi a bone mo phefong mme ka jalo go mosola fela thata gore banni ba bo ba nale dipolokelo tsa dibanka. Mme Molefe a re se se tsile go dira tiro motlhofo fela thata ka jaana le batho b aba neng ba kwalelwa dicheke go tsile go nna motlhofo gore ba bone madi a bone. A re selo se, gape se tsile go fokotsa le one mosuke mo di ofising tsa bone ka jaana batho ba tlaa bo ba ya fela kwa dibankeng go ya go tseya madi a bone. A re botlhe go simolola fela ka molemi wa terekere, batsadi b aba Amogelang madi a tlhokomelo ya bana, babereki ba ipelegeng botlhe fela ba gakololwe go bula dipolokelo. O ne a tlhalosa gore ka lenaneo le gape go tsile go fokotsa le bone bogodu ka jaanong ba tlaa bob a tsamaya bas a tshole madi mo dibekeng, atlatsa ka gore neelano e yam o phefong e tsile go dira motlhofo fela thata. Mme Molefe a re neelano e ya maranyane e bonako fela thata e bile motho o kgona go bona madi a gagwe gongwe le gongwe kwa a leng teng. Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosa gore e re le ntswa lenaneo le le motlhofo e bile le fefosa ditirelo, mathata a ba kopanang le one ke go kgaoga ga motlakase le go tlhoka network gantsi. A re maranyane fa gongwe ga a tshepagala ka jalo nako tse dingwe network e a tlhokafala e bo batho ba sa bone dituelo tsa bone ka nako mme e bile se gape se die le tsone ditirelo. E rile ba mo kgwa dikgaba, mokhanselara wa Sefhare Rre Mothusi Sedimo a tlhalosa fa batho ba kgaolo ya gagwe bas a duelwe sentle fa e sale lenaneo le simologa ntateng ya go tlhoka network kana gotwe madi a fedile. Rre Sedimo a re ene o itemogetse fa lenaneo le le bonya fela thata mme a kopa puso go tlhabolola maranyane a lenaneo o gore batho ba seka ba emela dituelo lebaka le le leele. Rre Mogakolodi Bagwasi wa kgotla ya Dilaene ene o ne a re lenaneo le ka tswa le siame mathata ke go tlhoka network mo jaanong bas a itseng gore b aka raya banni ba reng ka ba bona dituelo morago ga lobaka. Mokhanselara Gabautwe Maboka wa Chadibe ene o ne a re mathata a ba kopanang le one ke gore fa e sale lenaneo le le simololwa banni ba kgaolo ya gagwe ba bona dituelo morago ga lebaka le leeele bogolo jang ba lenaneo la LIMID. Rre Maboka a re mathata ke gore madi a kgobokantswe golo go le gongwe fela fa ba dikgaolo tsa bone ba tshwanetse go duelwa gatwe a fedile selo se a re puso e tshwanetse go ela se tlhoko. O ne a tlhalosa gore jaanong le bone ga bas a na tshepo mo lenaneong le ka jaana banni ba leba bone. Mo go tse dingwe makhanselara ba ne ba atla mogopolo wag a Mme Molefe wa go gakolola banni go ka bula dipolokelo tsa dibanka go inaakanya le ditlhabololo tse. BOKHUTLO politics 7 Mapodisi le barui ba lwantsha bogodu Ka maiteko a go lwantsha bogodu jwa leruo mo kgaolong ya Shoshong, ramapodisi wa Shoshong, Superintendent Tawana Tawana o boloditse letsholo la go tlhoma dikomiti tsa twantsho borukutlhi mo merakeng e e mo kgalolong. Fa a simolodisa komiti e, e e bopilweng ka barui ba kwa morakeng wa Mosoke bosheng, Rre Tawana o tlhaloseditse baruakgomo gore, gore ntwa kgatlhanong le bogodu ja leruo e nne le katlego, batlhokomedi le beng ba leruo ba tshwanetse go ema ka dinao ba itshwaraganya le ba sepodisi. O ne a tswelea ka go tlhalosa gore bone e le mapodise ba itemogetse fa ba ka se kake ba kgona go fedisa bogodu ntle le kemonokeng ya barui a tlatsa ka gore “kana ke lona le itseng leruo la lona e bile le tlhaloganya le metsamao ya lone mo go rayang gore le mo maemong a a siameng go fa bosupi le go re tswa thuso fa go tlhokegang.” A re bontsi ja nako fa go na le dikgang tsa bogodu ja leruo, le dilalome tsa teng di tshwerwe di lebanwe ke katlholo, di felela di tshololwa ntateng ya letlhoko la bosupi, selo se a reng se na le seabe se segolo mo kgolong ya borukutlhi. Ka jalo he, ramapodisi o ne a kgotlhatsa barui go nna le keletso le lerato la go thusana ka go fa bosupi, a bo a ba sedimosetsa fa puso e sireletsa mongwe le mongwe yo o thusang ka ditlhotlhomiso le go fa bosupi e bile mo godimo ga moo go na le dikatso tse di fiwang ba ba fang bosupi. ENDS crime_law_and_justice 1 Khansele e tlotla dikomiti tsa ditlhabololo Balemisi ba kgaolo ya Borwa ba kopa balemi go tla go tsaya peo ya mabele mo mabeelong a bone. Mo potsolosong le O tlhalositse fa go tsaya ba ba neng ba ikwadisa fa ba ba tlang go ikwadisa ba ka dira jalo mo nakong eno ka go ne go emisitswe. O supile fa balemi ba le maoto a tshupa go tla go tsaya dipeo tse di setseng di gorogile le mororo pula e phaitse. Rre Montshiwa o boletse fa peo ya mmidi le dinawa e santse e saletse kwa morago ka ntata ya theko e e neng ya salela morago, mme a re balemi ba seka ba fela pelo ka gore e tlaa goroga mo nakong e e sa fediseng pelo. O rotloeditse balemi go lema mabele le dinawa ka gore ke tsone di ka itshwarelelang mo ngwageng ono ka gore ba tepo lewapi ba supile fa pula e tlaa nna boutsana. A re mabele le dinawa ke tsone di sa batleng metsi a mantsi thata go na le mmidi. Le fa go ntse jalo, Rre Montshiwa o tlhalositse fa bangwe balemi ba masimo a Kanngwe go bapa le Mmathethe ba simolotse go pitikolola, a tlatsa ka go re e rile bosheng, ga na pula ya sefhako e e dirileng gore bangwe balemi ba eme ka dinao. O ba rotloeditse go simolola fela fa dipula di simolola, a tlatsa ka go re kgwedi ya Phalane e maleba go simolola go lema ka tlhoafalo. BOKHUTLO society 9 Go dira tiro ka matshetla go na le maduo Go dira tiro nngwe le nngwe ka mashetla go na le maduo a mantle. Mme Keitshepile Maphorisa wa kgotla ya Magapatona kwa Tutume o tshela kamoono oo. Mo potsolotsong le BOPA,Mme Maphorisa yo o dingwaga di masome mararo le bosupa a re o simolotse go rokela batho ditlhako morago ga go rutwa tiro eo ke mme mongwe kwa Francistown. A re e rile a tsena kwa Tutume a seka a re kamoso a simolola go roka a direla kwa lelwapeng la gagwe mme a lemoga fa batho ba sa kgone go mo lemoga sentle gore go na le setswerere sa thoko kwa Tutume. Ke ka moo a neng a bona go tshwanela go batla lefelo kwa marekisetsong a motse go direla teng. O boletse fa koo a ne a atlega ka gore ka letsatsi o ne a kgona go bona palo e ntsinyana ya batho ba ba tsisang ditlhako, ka jalo madi a simolola go tsena mme a kgona go bona sengwe se se ka isiwang kwa maleng. Mme Maphorisa a re kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle e bile o kgonne go aga ntlo ka madi a a a a bonang, le go tsenya bana ba gagwe sekole, a supa fa a kgona go dira P1 500 ka kgwedi. A re o kile a leka go kopa thuso kwa go ba nyeletso lehuma go atolosa kgwebo ya gagwe mme o ne a seka a atlega ka ba boletse fa ene a tsweletse sentle le botshelo jwa gagwe bo le botoka. O ne a bolela fa a kopana le dikgwetlho di tshwana le tsa batho ba ba tsisang ditlhako ba bo ba tsamaela ruri e bo e sala e nna morwalo mo go ene, bangwe ba sa duele gape bangwe ba kgona go boa morago ga ngwaga go batla ditlhako tsa bone. Mo gongwe a re batho ba na le go tsisa ditlhako tse di leswe bogolo jang mo diretheng mme e re a ba gakolola ba omane. O boletse gore nako e nngwe o felela a abela bangwe ba ba tlhokang ditlhako tse di tsayang nako di sa tsewe fa a setse a bona di digela dingwaga tse pedi. Rre Batshani Bakwena yo o rokang ditlhako tsa gagwe kwa ga Mme Maphorisa o ne a galaletsa tiro e e dirwang ke Mme Maphorisa a re pele o ne a sa dumele fa motho wa mme a ka roka ditlhako ka e ne e le tiro e e tlwaelesegileng e dirwa ke borre. Rre Bakwena a re o nna a isa ditlhako go tsenngwa serethe le go rokwa mme ga a ise a belaele sepe e bile thoko ya teng e gaisa le ya banna tota. A re ka ene a direla kwa Tutume mme a nna kwa Nkange, o nna a laela batho go ya go roka kwa ga Mme Maphorisa ka a dumela mo tirong ya gagwe. economy_business_and_finance 3 Twantsho tshenyetso setshaba e simolola kwa lwapeng Batsadi ba kopilwe go tsenya letsogo mo go lwantsheng tshenyetso setshaba ka go lebega e simolola mo malwapeng. Seo se builwe ke mokhanselara wa Mahalapye Bogare, Rre Joseph Tjienda morago ga mogwanto wa go kokoanyetsa makgatlho wa Mahalapye Anti-Corruption Club madi. O ne a tswelela kago tlhalosa fa tshenyetso setshaba e simolola mo lwapeng fa ngwana yo go sa itseweng a bereka a ta ka dithoto kana madi mo lwapeng mme motsadi a sa mo tseele epe kgatlo. O ne a kopa batsadi go kgalemela bana ba bone kgatlhanong le go ipha dithoto kana madi ka bokukuntshwane, go le ojwa le sale metsi go ka fokotsa tshenyetso sechaba mo lefatsheng la Botswana. Mokhanselara one a thalosa fa tshenyetso sechaba ele chaka e e magale mabedi e e gopelang itsholelo ya lefatshe ebile e rontsha sechaba ditlamelo kafa e humisa motho ale mongwe hela yo o senyetsang sechaba. Rre Tjienda one a akgola baithaopi ba ba tsereng kaloro mo mogwantong, one gape a ba rotoetsa maloko a mokgatho go ta go thalosetsa makhanselara a kgaolo ya Mahalapye ka moono wa mokgatho wa bone. Fa a ntsha la gagwe mogolwane go tswa lekalaneng le le lwantshang tshenyetso setshaba (Directorate of Corruption and Economic Crimes- DCEC) Mme Esther Mokwenaotsile one a thalosa fa mokgatho wa Mahalapye Anti-Corruption Club o thamilwe ka ngwaga wa 2012 ke bana ba baneng ba fetsa mo dikolong tse di kgolwane bana le maikaelelo ago tswelela ba lwantsha tshenyetso sechaba. One a thalosa fa moono wa mokgatho o ele go tsibosa sechaba ka tshenyetso sechaba. Mogwanto one wa kokoanyetsa mokgatho madi a a kanang ka P2 368.00. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Boteti o tsosolosa ngwao E re le ntswa moletlo wa ngwao ya Boteti o tshwerwe ka kgwedi ya Motsheganong kwa Rakops, ba komiti eo ba tlhalosa fa Mmabontle a tlaa tshwarwa mo kgweding e e tlang morago ga gore a seka a nna teng. Go ya ka morulaganyi wakgaisano e, yo e bileng e le leloko la komiti Rre Kesaobaka Mothanke, kgaisanoe e tshwarwa ngwaga le ngwaga e le karolo nngwe ya go ipelela moletlo wa ngwaoya Boteti. “Re le komiti re kgonne gotshwara kgaisano ya mmabontle wa bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesomele botlhano mme ka mabaka a a rileng, re ne ra seka ra kgona go tshwarakgaisano ya ba bagolwane,” ga tlhalosa Rre Mothanke Kgaolo ya Boteti e dirwa kemerafe e tshwana le ya Bateti, Basarwa, Bakhurutshe, Baherero le Bakalaka mmeRre Mothanke o tlhalosa fa ba dirile kgaisano le moletlo wa go ipelela ngwao kamaikaelelo ago kopanya mmogo merafe e le go ruta Batswana ka ngwao ya kgaolo yaBoteti. O tswelela ka go tlhalosagore mo meletlong ya bone ba laletsa ditlhopha tsa mmino wa setso ka gofarologana go tla go diragatsa le go ruta morafe. Merafe le dingwao tse difarologaneng di kopana mmogo mme go nne le disupiwa tsa dijo tsa setso, kapari,metshameko le poko ka diteme tse di farologaneng. Fa a bua le ba BOPA boshengRre Mothanke o tlhalositse fa ba dirisa kgaisano e go kokoanya madi a moletlomme ba o dirisa gape go rutuntsha banana ka ngwao ya bone. O tsweletse ka go tlhalosagore mo mmabontleng makgarejwana a supa bontle jwa kapari ya setso, babo barutuntshiwa ka mmino wa setso o ba o supang mo seraleng. O tlhalosa gape gorebo mmabontle ba botswa dipotso tse di amanang le ngwao mme se se dire gore banne le kitso ka ngwao ya bone.Go ya ka Rre Mothanke moletlole dikgaisano di mo ngwageng wa bobedi di tshwarwa mme di tsweletse sentle. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Moruti o abela mogodi koloi Moruti wa kereke ya The Well of Life kwa Francistown, Moruti Lesley Mogasha o abetse Mme Sarah Sereetsi go tswa Matsiloje mpho ya koloi. Mo potsolotsong le lekana la dikgang la DailyNews ka mosupologo, Moruti Mogasha a re o abetse Mme Sereetsiyo e leng mogodi koloi e le mpho ebile ele sesupo sa lerato. “Ke utlule Modimo a ntshusumela a re thuto e ke e le rutang le le bana ke gore letlhogonolo la lona le mo batsading,” a bolela jalo. Moruti a re thuto mo molaong wa Modimo e e lesome ke gore ba na ba tshwanetse ba tlhompha batsadi gore malatsi a bone a tle a oketsege. Moruti Magosha a re tlhokomelo kana tlhompho ga go tewe fela mo motsading yo o tshotseng motho mme e akaretsa motsadi kana mogolo mongwe le mongwe mo setshabeng. A re o abetse Mme Sereetsi koloi le mororo e se leloko la kereke e a e eteletseng pele ntle le gore o aga a etela kereke eo. Mpho eo go ya ga Moruti Magosha e tlaa thusa Mme Sereetsi go ya go tsaya mosepele fa a dira ditiro tsa lelwapa le go tsamaya dilo di tshwana le bongaka, go ya go amogela madi a bogodi le go tlhola ba masika le ditsala. Kwa ntle ga go abela bagodi dijo, kereke ya The Well of Life ke lwa ntlha e aba koloi fa e sale e bulwa ka 2017. Moruti a re go botlhokwa gore kereke e tshwaragane le puso go tokafatsa matshelo; selo se a reng puso ga e kake ya se kgona e le yosi. Fa a tswa la gagwe, Mme Sarah Sereetsi, yo o dingwaga tse di masome a ferang bobedi le borataro, o tlhalosa fa a itumeletse mpho eo. O boletse ga koloi e tsile go mo thusa go dira ditiro tse di farologanyeng tsa letsatsi le letsatsi. Mme Sereetsi a re mpho eo e ne ya mo garola pelo mme gape ya tsisa boitumelo jo bo seng kanang ka sepe, segolo jang ka a sa tlwaelana le Moruti Magosha. religion_and_belief 8 Kakaretso ya bana-le-bogole e saletse kwa morago Kakaretso le kamogelesego ya ba-na-le-bogole e santse e aperwe ke dikgwetlho. Se e ne e le kgang kgolo ya dibui kwa moletlong wa letsatsi la ba-na-le-bogole kwa sekoleng kwa Molepolole bosheng. Fa a simolodisa moletlo semmuso, Kgosi Kgari Sechele 111 o tlhalositse fa mokgwa o setshaba se itsayang ka one mabapi le ba-na-le-bogole e le nngwe ya dilo tse di paledisang kamogelesego ya ba-na-le-bogole. Kgosi o ne a fa sekai gore meletlo le dipitso ka go farologana tse di amang ba-na-le-bogole, ga di tshologelwe ke batho ka bontsi, ka jalo melaetsa le dithuto tse setshaba ka kakaretso ba kabo ba di anywa di sa goroge kwa go bone, ka jalo, o ne a rotloetsa ba ba neng ba tsene moletlo go thusa go gasa molaetsa ka go tshela, go amogelesega le kakaretso ya ba-na-le-bogole. Setlhogo sa moletlo wa ngwaga ono, se ne se itebagantse le dikgang tsa kakaretso ya botlhe: go nonotsha botlhe mo go thuseng go fokotsa le go fedisa dikganedi tsotlhe tse di paledisang ba-na-le-bogole go tsaya karolo mo setŝhabeng ka tekatekano ya botlhe. Moemedi go tswa kwa Beno Society for the disabled, Mme Masego Leepile ene o tlhalositse fa kgethololo e simolola kwa malapeng. A re tumelo kgotsa setho sa go akanyetsa gore mona-le-bogole o ka se kgone ditiro dingwe ka jalo a sa fiwe sebaka sa go leka kgotsa a ithuta go fitlhela a kgona ke dingwe tsa tse di bakang kgethololo le go tlhoka go akarediwa ga bone mo setŝhabeng society 9 Ba Mopipi ba ntshitse leina Morago ga phuthego e e tsereng dioura tse thataro le sephato banni ba Mopipi ba ntse ba gogagogana, ba ne ba felela ba dumelana ka bongwefela jwa pelo gore ba roma Rre Benjamin Banyola go nna kgosi wa bone. Se se tla morago ga gore ba bogosi jwa ga Mmangwato ba ba fe tsela gore ba sekaseke motho yo ba ka mo romang go nna kgosi wa bone. Thulaganyo e e tla morago ga go tlhokafala ga kgosi ka Phatwe. Banni ba ne ba ntshitse maina a le matlhano a batho ba ba batlang go ba roma a karetsa borre Maikano Maboane, Galebopege Ntshasang, Benjamin Banyola, Justin Otimilwe le Onobo Othusitswe. Ka jaana go batlega leina le le lengwe ba ne ba tlamega go dira morero o o ka rarabololang kgang ya bone gore kwa bofelong ba tswe ka leina le le lengwefela. E ne e rile go le pele a tlhalosa ka se ba tshwanentseng ba se dira, mongwe wa magosana a motse oo, Rre Ketso Isang a supa fa ba laetswe ke bogogi kwa Serowe gore ba dire morero e seng ditlhopho. Rre Isang o ne a ba kopa gore ba ntshe maina ka boammaaruri ba lebile le bokgoni jwa motho Mongwe wa banana, Rre Showa Shaka o ne a kopa gore banana le bone ba fiwe sebaka go ntsha maikutlo a bone, a tlhalosa fa a batla kgosi wa monana. Rre Victor o ne a supa gore le fa ba nna le dipharologanyo kwa bofelong ba tshwanetse ba dumelana. O ne a ba kopa gore ba tsee tshwetso ya gore ba dire jang go tswa ka leina le le lengwe mo go a matlhano. Kwa bofelong mongwe wa magosana, Rre Kunane Tamapo o ne a lebogela go bo morero o tsamaile sentle ka jaana ba feletse ba dumelana ka leina le le lengwe la motho yo ba batlang go mo roma go nna kgosi wa bone. Rre Tamapo a re kgang ya bogosi e masisi, ka jalo e tlhoka go dirwa ka boikarabelo le neelano, a tlatsa ka go re motse ga o a tshwanela go kaiwa ka dikgogakgogano. Batho ba bane ba maina a a neng a ntshitswe ba ne ba lebogela yo morafe o dumelaneng ka ene go se na ngongorego epe. Rre Banyola o ne a amogela thomo, a supa fa a tlaa e dira ka natla e bile a dirisana sentle le mothusa kgosi yo o ntseng a le mo setilong. A re Ka jaana phatlha e e kajwang e le ya kgosi yo motona, o ne a tlhalosa gore keletso ya gagwe ke gore morafe o kope bogogi gore ba tlhatlose mothusang kgosi maemo mme ene a mo tlhatlhame. BOKHUTLO society 9 Raboipelego o rotloetsa magolegwa a go dirisa mananeo Magolegwa a a gaufi le go gololwa ba rotloeditswe go tsaya mananeo a puso go itshetsa. Fa a bua kwa thuto-puisanyong e e neng e tshwerwe kwa kgolegelong ya Selebi Phikwe bosheng, Raboipelego wa kgolegelo eo, Rre Lesole Seikokotelo o ne a re lephata la dikgolegelo ga le a itebaganya fela le tsa itshireletso, mme gape le lebagane le go bopa magolegwa sesha gore e nne batho ba ba nang le boikarabelo le seabe mo go tlhabololeng lefatshe leno. Rre Seikokotelo a re magolegwa a fiwa dithuto tsa ditiro tsa diatla ka go farologana gore ba kgone go di dirisa go itshetsa fa ba setse ba golotswe. Mo godimo ga dikitso tse, a re magolegwa a tshwanelwa ke go itse ka mananeo a puso, gore ba kgone ba tsenye dikopo fa ba sena go gololwa, gore le bone ba a akole go tlhabolola matshelo a bone. O rotloeditse setshaba go amogela magolegwa a pele, gore ba seka ba itlhoboga mme ba tloga ba boelela ba dira melato gape. O rotloeditse magolegwa a a neng a tswa kwa dikgolegelong tsa Serowe, Bainesdrift, Selebi Phikwe le Machaneng go tsaya dithuto tseo ka tlhoafalo, mme a ba rotloetsa gore ba seka ba boelela melato ka gore fa ba ka dira jalo ba ka tloga ba iphitlhela ba boetse kwa kgolegelong. Fa a tswa la gagwe, mogolwane kwa Lephateng la Temo-Thuo le Tokafatso Dijo, Rre Pelaelo Jacob o tlhalositse fa lephata leo le na le lenaneo la LIMID, le ka lone ba thusang Batswana ka dipodi, dinku, dikoko, dikolobe, dinotshi le thuo ya ditlhapi. A re lenaneo leo le fiwa Batswana ba ba senang sepe se ba itshetsang ka sone. O ne a tlhalosa fa ba sa lebelele gore a moikopedi o kile a dira molato kgotsa nnyaa. Rre Julius Modikwa go tswa kwa lephateng la dikgwa ene o tlhalositse fa sekgwa se humile dilo tse dintsi tse Batswana ba ka di dirisang go itshetsa jaaka dikgong, bojang, phane ga mmogo le melemo ya Setswana. A re le fa go ntse jalo, Batswana ba tshwanetse go kopa teseletso pele kwa go ba dikgwa. O tlhalosa fa ba lefisa madi a a kanang ka P52 go ntsha teseletso ya kgwedi. O ba rotloeditse gore ba seka ba dira dikgwebo tse di tshwanang, gore ba kgone go bona dipoelo, mme a ba lemotsha gape le botlhokwa jwa go somarela di-tsa tlholego. Phuthego e ne e tshwerwe ka setlhogo se se reng; Re Gatela Pele. education 4 A ipabalelo tseleng e simolole kwa moding Ke maikarabelo a barekisi ba leokwane go bona gore le ojwa le sale metsi ka go isa dithuto le ditlamelo tsa tiriso tsela kwa dikoleng tse dipotlana, e le bontlha bongwe jwa go tshwaraganela kgetsi ya tsie le barutabana, botsadi le bana. Ka jalo, ba VIVO ba tshwaragana le ba Uni-Trans, ba lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng le mapodisi le ba pabalelo matshelo le botsogo jwa batho mo kgaolong-potlana ya Palapye go isa dithuto tsa ipabalelo tseleng kwa baneng ba sekole seo. Fa a tswa la gagwe, molomaganyi wa ditlhaeletsanyo wa Vivo Energy Botswana (VEB) Mme Adelaide Johnson, o ne a re go rutuntsha ka ipabalelo tseleng ke lengwe la boikarabelo jwa bone, morago ga go lemoga fa tiro ya bone ya kanamiso ya leokwane mo lefatsheng leno lotlhe e ba baya fela mo tseleng. Mme Johnson a re ke gone ka moo ba neng ba bona go le molemo go itshwaraganya le makalana a a amegang go isa dithuto kwa baneng. Mo mafokong a gagwe a thutuntsho, mogolwane yo o lebaganeng le tsa thuto ka tsa ipabalelo tseleng, Mme Lorraine Gaolebale, o ne a gasa molaetsa le go ruta bana ka tse ba tshwanetseng go di dira fa ba tlola tsela. Mme Gaolebale o ne gape a ruta ka tiriso makgabaganyo a tsela a re batho ba tshwanetse go itlwaetsa go dirisa go kgabaganya fa go babalesegileng gore dikoloi di ba fe sebaka sa go tlola. Mafoko ao a ne a iteelwa kobo moroko ke mapodisi, ba tlhalosa fa tiro ya bone e se go tshwarela batho go sa diriseng mabante a ipabalelo fa ba kgweetsa. Ba ne ba re ke boikarabelo jwa mokgweetsi go tsenya lebante fa a kgweetsa e seng go ipanta fela fa ba bona mapodisi, ka go dira jalo go ka tsenya botshelo jwa mokgweetsi mo diphatseng fa a ka diragalelwa ke kotsi. Mapodisi ba ne gape ba re bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le bobedi ga ba letlelelwe go kgweetsa dikotsekara tsa ditonki ba le nosi ka ba sale bannye go tsaya boikarabelo mo tseleng, le go ka hema dikotsi. Beng ba koloi ya mogobagoba ya leokwane ya Uni-Trans ba ne ba tsaya sebaka go supegetsa bana gore go le gantsi bakgweetsi ba dikoloi tse ditona ga ba bone se se fetang kwa tlase ka dikoloi tseo di le kwa godimo thata. Mo mafokong a gagwe a tebogo, Mogokgo Keletlhokile Molefi o ne a lebogela dithuto tseo, a re ke tsa bobedi go tla kwa sekoleng sa gagwe. A re ka 2015 di ne tsa isiwa kwa go bone mme tsa dira pharologanyo e ntsi ka bana ba ne ba isa molaetsa kwa botsading ka tiriso ya tsela le ipabalelo tseleng. O ne a re o solofela fa mo nakong eno thuto eo e ya go nna mosola mo baneng ka le bone e le barutabana ba ntse ba e jala mo go bone. O ne a re Moreomabele ke mongwe wa metse e e mo tshekamelong ya tsela e tona ya A1e dikotsi di leng dintsi mo go yone. A re kitso ka tiriso tsela e ka fokotsa dikotsi le go di fema, segolo thata mo baneng fa ba kgabaganya. Bana ba ne ba fiwa gape sebaka sa go dirisa dikolotsana le go beelwa matshwao a tsela a a ba rutang go ema le go emela batsamaya ka dinao fa makgabaganyong. Morago ba VIVO ba ne ba abela bana ba sekole ba le 186 go tswa kwa lekwalong la bananyana go ya kwa go la bosupa dibeke tsa dibuka, dipena le dipensele le dikepese, fa ba lekwalo la bosupa bone ba ne ba abelwa le dipone tsa letsatsi fa godimo gore ba ye go di dirisa go ithuta kwa malapeng.BOKHUTLO education 4 Kgosi Martin o atla lenaneo Kgosi Nagano Martin wa Paje mo kgaolong ya Legare o akgoletse puso go simolodisa lenaneo le mo go lone batho ba ba tshelang ka bogole ebile ba sa kgone go itirela sepe mo botshelong ba tla a atswiwang ka makgolo a mararo kgwedi le kgwedi. Kgosi Martin o buile jalo mo potsolosong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng a tlhalosa fa ditshekatsheko go kwadisa ba-na-le bogole ba ba sa itireleng sepe di tsweletse sentle ka tshwaragano ya bone le komiti ya ditlhabololo tsa motse. A re go bo puso e bone go tshwanela go simolodisa lenaneo le ke sesupo sa gore e kgathala ka matshelo a Batswana e bile e le mangwe maiteko a magolo a go gatela pele go fitlhelela maikemisetso a tebelopele ya 2016 a go nna tshaba e e kutlwelo botlhoko. O tlhalositse gape fa seo e le go lemoga boleng teng jwa ba-na-le bogole mo setshabeng ebile se se tlaa ba fa seriti mo botshelong jwa bone. Kgosi Martin o ne a kgala a sa kgwe mathe batho bangwe ba ba nang le mowa o o bosula wa go baya batho ba ba tshelang ka bogole kwa mahure. A re go dira jalo ke go tsuulola ditshwanelo tsa batho ba go nna jalo tsa setho. O bile a kopa ba ba dirang jalo go emisa mokgwa oo a re mo-na-le bogole ga a farologane ka gope le motho mongwe le mongwe. E ne ya re fa a itebaganya le batlhokomedi ba batho ba ba tla thusiwang ka madi ao, a ba kopa go sa dirisa madi ao botlhatswa. A re madi ao a diretswe gore a thuse batho ba go nna jalo go ithusa fa ba neng ba sa kgone teng gore kgabagare matshelo a bone a tokafale. E re dikgang di eme jalo, Kgosi Martin o ne a tlhalosa fa mananeo a mangwe a puso e ikemiseditseng go namola Batswana mo lehumeng a tsweletse ka go dira sentle. O ne a kgothatsa banni go tswelela ba tsenya moko mo nameng go bona gore ditiro tsa bone ga di phutlhame ka jaana go di leseletsa di phuthama e tlaa bo e le go senya madi a puso e a dirisitseng go ba tlodisa dinokana di tletse. Fela Kgosi o ne a kopa banana ba motse wa gagwe go ikitaya ka thupana go akola mananeo a a leng teng. A re dipalo tsa bone di boutsana fela thata go tsaya tsia mananeo ao le ntswa a ka ba tlhatlosa mo botshelong segolo bogolo ka letlhoko la ditiro le amile bone thata. society 9 Badiri ba supa lerato Babereki ba lephata la itshireletso, molao le thokgamo ba akaretsa kgotlakgolo ya ditsheko, ofisi ya tsa bosekisi, ofisi ya ga mmakaseterata ba abetse balwetse bangwe dimpho tse di akaretsang maungo, dinotsididi, molora wa legano le tse dingwe kwa kokelong ya Athlone mo Lobatse bosheng. E rile a amogela badiri bao, mogolwane wa baoki, Mme Gadibotsile Motswasele a re dimpho tseo di supa gore tlhokomelo ya balwetse ga se tiro ya ba kokelo gammogo le baoki go ba tlhokomela fela mme le maphata a mangwe a puso a tshwanetse go nna le seabe. Mme Motswasele o ne a tlatsa ka gore dimpho tse di tlaa dira phetogo le pharologanyo e ntsi mo matshelong a balwetse. O ne a kopa maphata ao go tswelela ka go supa lerato leo go ya isagong. E rile fa a tswa la gagwe, mothusa molaodi wa toropo ya Lobatse, Rre Ernest Phiri a akgolela badiri ba maphata a go tsaa karolo mo go abeleng balwetse e le tsela ya nnete go supa fa ba amogetse kopo ya ga Tautona wa lefatshe leno, ya gore setshaba se thuse ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Rre Phiri o ne a tlatsa ka gore se ke tsela ya go lemontsha balwetse gore tiro ya bone ga se ya go sekisa fela mme le ditiro tsa bopelotlhomogi ba tsenya letsogo mo go tsone. Rre Phiri o rotloeditse maphata ao ka go tswelela ka mowa wa lorato. O ne a ba akgolela tshwetso e ba e tsereng ba bona go le maleba gore ba ntshe mo ba nang le gone ka go akanyetsa batho ba ba mo ditlhabing mo kokelong. A re dimpho tseo dingwe tsa tsone di tlaa dira gore ba nonofe mo mebeleng ya bone mme ba fole, gape ba tlaa seke ba kotlomele megopolo ka go bona gore go na le batho ba ba ba fang lorato le mororo e se ba masika a bone. Moemedi go tswa kwa maphateng ao mme Dorothy Mangadi a direla mo kgotleng kgolo ya ditsheko mo Lobatse o rotse molaetsa go tswa kwa bogoging jwa kgotla ya ditsheko ka go tlhalosa fa badiri ba maphata ao ba diragatsa lengwe la matshego a setshaba la tebelopele ya ngwaga wa 2016 la tshaba e e lorato ebile e na le bopelotlhomogi. Mme Mangadi o tlhalositse fa go abelwa dimpho ke mongwe yo e seng wa losika lwa gago, go tsholetsa mowa le tsholofelo mo balwetseng. Ka seo sebaka balwetse ba tlaa kgona go lemoga gore setshaba se kgathala ka matshelo a bone go menagane. Mongwe wa balwetse ba ba amogetseng dimpho mme Thandy Mooki o ne a supa a itumetse fela thata, a bo a tlhalosa fa a ikutlwa a le motlotlo gore go na le batho ba ba kgathalang ka bone le fa e se masika a bone. Mme Mooki a re ba a kgothala gore ba bone Batswana ka bone ba ba gopotse a re ba nna le tsholofelo ya thitibalo ya ditlhabi. Mme Onkemetse Baakanyang ene o ne a re “a mpheletse a le tlhaeng”, a tlhalosa fa a tletse ka boitumelo jo bogolo thata ka dimpho tseo. Mogolwane wa boipelego mme Josephine Ramoshibidu o lebogile maphata a a tsereng karolo mo go abeng dimpho, a re ba bone go le maleba gore ba abele balwetse go na le go aba ko mafelong a mangwe. BOKHUTLO health 6 Letsema le tsweletse kwa Palapye Go bolelwa fa balemi ba kgaolo ya Palapye ba ithotlhoeditse mo go tsa temo ka go tshwara bokgola jwa pele ka bangwe ba setse ba simolotse go lema fa bangwe bone ba pitikolola mmu go ipaakanyetsa temo ya monongwaga. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, motshwarelela rabalemisi wa kgaolo ya Palapye, Rre Dialwa Kenatshele a re monongwaga ba ofisi ya temo mo kgaolong ya Palapye ba dirile thulaganyo le bagwebi ba dipeo gore ba tlhophe mafelo a ba ka atameletsang balemi dipeo mo go one go ba kgaolela mosepele wa go ya go di tsaya kwa diofising tsa Palapye. A re seo se ya go thusa gore dipeo di goroge ka nako kwa baleming le gone go ba fokoletsa ditshenyegelo tsa go di latela bokgakaleng. Rre Kenatshele o tsweletse a re ba setse ba amogetse dikgetsi tsa dipeo tsa mmidi, mabele le tsa menontshane tsa temo ya 2014/15. O tsweletse a re puso e duelela go lema ka ditselana le go ega P1 160 tema. O gakolotse balemi segolo jang beng ba ditereke go inaakanya le lenaneo la go adima madi a didirisiwa tsa temo kwa bankeng ya National Development Bank le ba lekalana la CEDA. O akgotse beng ba diterekere ba kgaolo ya Radisele ka ba supa fa ba ya go amogela madi a puso ba sa lope ape a mooketsa mo baleming. Rre Kenatshele o kgothaditse beng ba diterekere go lema mo leotleng le le lengwe pele ba ka fetela kwa go le lengwe go na le go ya kwa le kwa gonne seo se ka ba fokoletsa ditshenyegelo. O supile fa mono ngwaga ba kgonne go rutuntsha balemi le beng ba diterekere ba le 225 mo go tsa go tlhabolola mmu le tiriso ya menontshane mo temong ba bo ba ba rutuntsha gape ka tiriso ya didirisiwa tsa temo gammogo le dichefi. A re monongwaga balemi ba ya go duelwa ka bonako ka gore ba setse ba simolotse go tsenya maina a bone mo dikhompiutareng gore a rurifadiwe go fefosa dituelo. Fa a itebaganya le temo e e fetileng, Rre Kenatshele a re go ne go lemilwe diekere di le 27 653.31 ke balemi ba le 9 956 mme mo diekereng tseo di le 4 579.37 di ne di lemilwe ka ditselana fa 23 073.94 go ne go gasitswe. O tsweletse a supa fa kgaolo ya Palapye e kgonne go duela ditema di le 27 008.19 ka madi a a fetang P14 million mme go setse batho ba le masome mabedi ba ba sa tlang go tsaya dituelo tsa bone le ntswa maiteko a go ba itsise ka dituelo a dirilwe ka ditsela tsotlhe. A re mo bathong bao ba le masome mabedi ga ba ise ba itshwenye le gone go tla go saenela setlankana sa dituelo tsa lenaneo la ISPAAD, a re ba belaela fa bontsi ja bone e le ba baneng ba itemela ka ditonki. Rre Kenatshele a re mo temong ya ngogola ba kgonne go lema ditema tsa mmidi di le 3 741.9, tsa mabele di le 6052.05, tsa lebelebele di le 328.79 mme tsa dinawa tsone di le 1321.43. A re mo ditemeng tseo ba kgonne go bona ditone di le 538.58 tsa mmidi,1173.6 tsa mabele,198.06 fa tsa dinawa ba bone 152.89. O supile fa dipula di kgoreleditse thobo fela thata ka di ne di netse ruri ka jalo di sa fe balemi sebaka sa go ya masimo. A re dijalo dingwe di ne tsa gogolwa ke merwalela fa mabele le lebelebele tsone di ne tsa jewa ke dinonyane. Rre Kenatshele o supile fa go le gantsi ba ikaegile thata ka temo e e tswang mo dikgaolong tsa Tswapong jaaka kwa Maunatlala, Kgagodi, Matolwane le Topise ka e le tsone boremelelo ja temo ya kgaolo ya Palapye. A re dituelo tsa temo e e fetileng di ne tsa diega ka mathata a a neng a bakilwe ke legadima le le neng le sentse dikhompiutara kwa ofising ya bone fela thata mme seo sa ba berekisetsa ka fa tlase ga kgatelelo gore ba emisetse nako eo. A re ke gone fela ba ntseng ba fetsa go duela batho mafelo a Phukwi. BOKHUTLO society 9 Lephata la tsa mesepele le bong le akgotswe Bodiredi jwa lephata la merero ya setshaba, boagedi le tsa bong ba kgaolwana potlana ya Palapye (PAA), ba akgoletswe go isa ditirelo kwa setshabeng le go se direla ka botswapelo. Kakgolo e, e dirilwe ke makhanslera a kgaolwana ya PAA fa ba akgela mo dipegong tsa maphata, tse ba neng ba di bewa pele ke mothusa molaodi wa tsa ditlhabololo, Mme Chendzimu Mokgopo mo phuthegong ya khansele-potlana e e tsweletseng. Bontsi jwa makhanselera a PAA ba ne ba supa fa lephata la kwadiso ya matsalo le dintsho le dira tiro ya lone ka botlalo mo kwadisong ya bo Omang, ka go latela batho kwa mafelong a ba mo go one, le gone go ba abela bo Omang. Mo kakgolong eo, mokhanselera wa Mogapi, Rre Tuelo Motsewabeng o ne a re e re le ntswa ba dira tiro ka botlalo, go lebega kwadiso ya makgotla e wetse tlase thata, a botsa gore a seo se dirwa ke gone gore makgotla mangwe jaaka a dikereke ga a kgone go fitlhelela dipalo tse di beilweng ke puso tsa 150. Kgang e nngwe e ne ya nna ya theko le tiriso ya dikotsekara, e mokhanselara wa Lerala Bophirima, Rre Gabagopole Sebele a neng a supa fa go lebega tiriso ya tsone e sa amogelesege kwa mafelong a di isitsweng kwa go one. Mme a re kgang e, ba ne ba e buisanya ka boleele gore ditsamaiso tsotlhe di lebelelwe gore di ya go dirisiwa jang le bone ba ba di dirisang ba ya go duelwa jang. A re nako tse dingwe ga re e le baemedi ba fiwe sebaka sa go itseela ditshwetso go na le go tseelwe ditshwetso ke matona a puso. O ne gape a re a e re go dirwa ditlhabololo mo kgaolong ya bone, go nne le morero, a supa fa go shafadiwa ga ditsela le go ralwa ga tsone go sa dirwa ka fa tshwanelong. Kgang e nngwe, e go neng ga akgelwe ka boleele mo go yone, ke ya lephata la botsogo le boitekanelo, le le neng la supiwa ka monwana gore le palelwa ke go fepa balwetse ka melemo, ba re melemo e tlhaela fela thata mo dikokelwaneng le mo go yone kokelo e tona ya Palapye. Lengwe la makalana a khansele le le neng la supiwa le lone le dira tiro ka botlalo, ke la boipelego, mo go tsenyeng letsogo mo go tlhabololeng matshelo a batho le tirisanyo mmogo e e tlhapileng le baemedi ba dikgaolwana tsa bokhanselera. Makhanselera ba ne ba re go thapiwa ga mo-na-le bogole mo kgaolwaneng-potlana ya PAA, go baakanya dipitsa tsa dikole tse dipotlana, go amogelesega thata, mme ba supa fa lenaneo la nyeletso lehuma le lone le tsweletse ka go tlhabolola matshelo a batho ka ditlhopha le ka bongwe ka bongwe. Makhanselera a ne gape a batla tlhaloso ka madirelo a matlhabelo a dikoko a Serowe/Palapye, a a saleng a eme, gore a ya go simolola go dira leng. Ba ne ba re go dirisitswe madi a mantsi go aga dikago tseo mme nako kgolo ke eno go eme tsi! Mokhanselera wa Maunatlala, Mme Salome Lesole o ne a re go botlhokwa gore fa bodiredi bo dira sentle bo akgolwe ka ditsela tse di ka bo tiisang moko. Mafoko a gagwe a ne a iteelwe kobo moroko ke molaodi wa PAA, Rre Odiseng Moruti. E rile ba akgwa dikgaba makhanselera, bodiredi jwa supa fa bo tshwere phage ka mangwana go lwantsha seemo se tshwana le sa tlhaelo ya melemo kwa dikokelong, le gore go na le madi a ba a fiwang a P1 million mo kgaolong go ba thusa go lwantsha seemo sa tlhaelo ya melemo, ba re seemo seo se thata ka le bone ba ba supang ba ka ba fa melemo ba sa kgone go dira jalo. Ba ne ba ikuela mo bogoging gore bo rotloetse batho go ikatumetsa ba bongaka segolo jang fa ba belaela dikai tsa letshoroma. Ba boletse fa tiriso ya sekasu e wetse tlase, mme sesupo e le dipalo tse di golang tsa baimana le batho ba ba lwalang malwetse a dikobo. Ka kgang ya matlhabelo a dikoko, go ne ga tlhalosiwa fa kago eo e sa agwa sentle, mme go tsweletswe ka go bona gore seemo se busediwa maemong. Ba lephata la thuto go tswa kwa moding ba khansele ba tlhalosa fa ba ne ba kopa megokgo go dirisa madi a ba a neetsweng go rekela bana merogo, maungo le mae, gore ba kgone go okelediwa ngwaga o o tlang. BOKHUTLO politics 7 Bomme ba Mafetsakgang ke megaka "Go tsofala yo o ratang….Batho ba le bantsi fa ba tsena mo dingwageng tse di fetang masome a a robang bobedi ba a itlhoboga mme mo go bomme ba Mafetsakgang bogodi ga se sekgoreletsi. Mophato o, o o nang le bomme ba ka nna masome a mararo, o bopilwe ka bomme ba dingwaga tse di fa gare ga masome a supa le masome a roba-bongwe. Se se kgethegileng thata ka mophato o, ke gore ga o kake wa ba tlhoka gope mo meletlong e metona mo motseng wa Serowe, ka ba opela ba letsa marapo. Seane sa maano ga a site se itebagantse le bone, ka ruri e rile bogolologo go sena ditlamelo kgotsa didirisiwa ba dirisa sengwe le sengwe se ba se bonang go ka itlosa bodutu. Mophato wa Mafetsakgang o tlwaelesegile ka mmino wa marapo. Marapo fela a kgomo, bomme ba ba dirisa one ele diletso tsa bone go opela. Fa a tlhalosa ka mophato wa bone, Mme Sebitsanyo Ramaphane yo gape eleng moopedisi, a tlhalosa fa mophato o simologile ka 1988. Mme Ramaphane o ne a tlhalosa gore ka nako tsa fa go santse go iwa mophatong go ne go tsamaya borre fela, mme ka jalo ba seka ba nna fela ele bomme. A re ba ne ba ikgobakanya mme ba ya kwa go Mme Naledi Khama yo eleng rakgadie Tautona go mo tlhalosetsa fa le bone ba batla mophato. O ne a tlhalosa gore Mme Khama o ne a ya kwa kgosing go mo tlhalosetsa fa go nale setlhopha sa bomme se le sone se batlang go alosiwa. Mme Ramaphane a re e rile Kgosi go utlwa se a itumela mme a ba bitsa leina Mafetsakgang fela jaaka borre baba neng ba tswa mophatong ka nako eo, e bile gape ke ka moo ba bidiwang mophato wa ga Naledi Khama kgotsa dinonyane tse di tshweu tsa ga Naledi. A re bogologolo ditiro mo motseng di ne di tsamaisiwa ke mephato, dikgotlana di ikemela mme di berekelwa ke batho ba tsone. “Serowe o motona mme ngwanaka fa o bona a tlhabologile jaana ke mephato, le rona Mafetsakgang re le mo teng, re dira re sare re duelwe jaaka lona bana ba sesha"". Mosadimogolo Ramaphane o ikgantsha gore bone ele bomme ba Mafetsakgang ke bone batho ba ntlha go akanya gore go ka dirwa sefikantswe sa ga Tautona wa ntlha Sir Seretse Khama. Fa a tlhalosa ka marapo Mme Ramaphane o bua ka boitumelo jo bogolo e le ruri, gore fa ba fatlhoga ba fitlhetse bommangwaneabone ba Mophato wa Makgasa ba a letsa mme bone ba ithuta mo go ba Malekantwa. “Mophato wa Malekantwa yo re o sa lang morago ke one y re itutileng go letsa marapo mo go bone,”… O ne a tlhalosa gore batho ba le bantsi bogolo jang ba ba tswang kwa mafelong a mangwe ban a le go ba makalela, gore ba dirisa marapo jaaka diletso. A re marapo a ga ba tlhoke sepe fela se setona sa bone ke go kopa borre bogolo jang fa go nale mediro go ba beela marapo gore batle ba a dirisi. A re marapo a dikgomo tse di nonneng ke one a a siameng ka le modumo wa one fa o setse o tlhagelela mo pineng wa utlwala.Se se re itumedisang ke gore marapo a, a kgona go tsaya dingwaga re ntse re a dirisa, ga a senyege ka a bo a apeilwe ka mafura gore a tie. Mme Ramaphane o tlhalositse fa a tsaletswe kopelo, e bile a kaya fa ele yone botshelo ja gagwe. ‘ Nna ke motho wa kopelo ngwanake, le bomme ba a kitse fa ke re 3 measure step……(o bua jaana a tsenya marapo fa gare ga menwana a supa), ba a itse gore ka reng….. A re dipina tsa bone ba ditlhama ba lebile gore ba laleditswe moletlo wa eng, dipina tsa rona di akaretsa bo Botsalo jwa ga Seretse, Ngwao boswa, le pina ya bone ya Mophato wa Mafetsakgang. O tsweletse ka go supa fa bone ba ikgantsha gore ele basadi bagolo ba mo Serowe jaana ba kile ba bo ba opelela Tautona wa pele wa lefatshe la South Africa nako e a neng a etetse mono. E rile a tswa la gagwe modulasetilo wa Mophato Mme Tshenyo Motsokono a tlhalosa fa mophato ele lerato, kopelo le kagiso. Mme Motsokono fela jaaka Mme Ramaphane o tlhalositse fa ba ne ba ipopa ele bomme gore le bone ba batla go nna mophato gore batle ba kgone go direla motse wa bone sentle. A re ba ka tswa ba itsege thata ka go letsa marapo mme ba nale ditiro dingwe tse ba di dirang mo motseng wa Serowe le kgaolo ka bophara. Mme Motsokono o supile fa ngwao boswa, mathata ke gore ba tlhoka bao ba ba ka barutang go letsa marapo. A re thuto ya go letsa ka marapo e fleets mo go bone, fa e se bao le bao fela mme bone ba eletsa gore b aka etela kwa dikoleng ya go ruta bana ngwao. O tlhalositse gore bogodi bo itseetse tshwetso jaanong, le go bona ga bas a bona mme ba kopa setshaba bogolo jang ba Kgaolo ya legare go ikopanya le bone gore b aba fe thuto e. Mme Motsokono o ne a tlhalosa gore ele ba Mafetsakang ba kopana laboraro mongwe le mongwe go ikgakolola le go buisana ka mophato yo wa bone. Bokhutlo" society 9 Banana ba kgothadiwa go itshepha Mokgothatsi wa monana kwa Selebi Phikwe, Rre Oteng Moilwa, o rotloeditse banana ba toropo eo go fetola maikutlo a bone. O buile jalo kwa thutapuisanong e e neng e tshwerwe kwa holong ya Selebi Phikwe bosheng. A re banana ba tshwanetse go itshepha, go dumela mo go ene a ba a dirisa mafoko a ga Tautona wa America a a supang gore motho mongwe le mongwe o ka kgona se a eletsang go se dira. Mooki kwa kokelong ya Selebi Phikwe, Rre Toitoi Toito a re banana ba tshwanetse go ikatametsa fa kokelong ka bofefo fa ba sa tsoga sentle. Rre Toitoi a re go ngomola pelo go bona motho a ile kokelong go setse go se na thuso epe e ba ka mo thusang ka yone. Mooki wa kokelwana ya Sesame, Rre Seipato Nkape a re go ima ga banana go ile magoletsa. O tlhalositse fa dingwaga tse di siametseng gore motho wa mme a nne le ngwana wa ntlha e le tse di masome a mabedi le boraro ka gore ke gone jaaka mebele ya bone e tlaa bo e godile sentle gape go ka ba fema gore ba se ka ba nna le diphatsa tsa pelegi ya loaro. Mothusa mookamela mapodisi Rre Gogang Pule, o tlhalositse fa dipalo di supa fa kgokgontsho e ile kwa godimo bogolo thata mo bakapelong ba banana. O kopile banana gore ba itse go ikemela ka dinao. A re banana ke batho ba ba ratang go itshokela botlhoko mo ba felelang ba bolaane. O ba kopile gape go ikatametsa kwa go mmakaseterata le mo go bone ba sepodisi fa ba tlhagelwa ke mathata a. education 4 Banni ba kopa go fetolwa ga molao Banni ba kgotla ya Tsopeng kwa Lobatse ba kopile makhanselara a toropo eo go dira tshutiso ya gore melao ya pereko e fetolwe ka jaana ya gompieno e baa babereki ka fa mosing. Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mmatoropo, Mme Malebogo Kruger kwa kgotleng ya Woodhall bosheng. Ba re ba lebogela tshologelo ya babeeletsi go tswa kwa mafatsheng a sele ka jaana ba thusa go bula diphatlha tsa mebereko mme sebe sa phiri ke gore dituelo tsa bone di kwa tlase fela thata go ka tlhabolola matshelo a bone. Ba ne ba ngongoregela dikhamphani dingwe tse di sa saleng melao ya phiro le pereko morago sentle ba supa fa bangwe ba thapa batswakwa ba ba senang diteseletso tsa go direla mo lefatsheng leno. Ba tswelela ba supa fa baeteledipele bangwe ba na le mokgwa wa go solofetsa batho diphatlha tsa mebereko fa ba ka tlhakanela dikobo le bone. Ba ne gape ba lela ka dinako tsa pereko tse ba supileng di le ditelele ntswa dikatso di le kwa tlase mme e bile le diaparo tsa itshireletso ba sa di neelwe ntswa ba direla mo mafelong a a tlhokanang le kapari e e faphegileng. Ba ne ba tlatsa ka gore ba bona dituelo morago ga nako e telele mme se se ba tlhokise kutlwisisano le beng ba matlo a phiriso le gone go nna lobaka ba sa obe lebogo. Banni ba ne ba tswelela ba supa fa se, se baya baithuti ka fa mosing ka jaana bana ba ya dikoleng ba sa tsenya sepe mo maleng gape le yone kapari e se mo seemong se se itumedisang mme se se feletse se kgoreletsa go ithuta sentle ga baithuti ka jalo go feletsa go nna le kwelo tlase ya maduo mo dikoleng. Ba ne ba gwetlha baeteledipele ba toropo go etela dikompone ka go farologana mo toropong go sekaseka gore a melao ya phiro le pereko di salwa morago fa go sa nna jalo ba tseelwe dikgato tse di maleba go itsa go tlhorontsha babereki mo isagong. Fa a ba kwa dikgaba, Mme Kruger o ne a ba tlhalosetsa fa boeteledipele jwa khansele ya toropo ya Lobatse bo itlamile go tsenya leitlho le le tseneletseng thata go netefatsa gore melao ya phiro le pereko e salwa morago mme ka maswabi ga ba na thata ya go ba tseela dikgato fa ba ka fitlhela dilo dingwe di sokame. O supile fa bone e le khansele ba bofeletswe matsogo ka fa morago ka jaana go na le ofisi e e maleba ya tsa pereko e e itebagantseng le gone go tseela dikompone dingwe dikgato fa go na le dilo dingwe tse ba sa di obameleng. O ne a supa fa ba tlaa tsibogela kgang ya gore babereki mo dikomponeng ga ba abelwe kapari ya itshireletso ka jaana eo yone ba na le tetla ya go ka tsereganya kgang ya teng. Mo go tse dingwe o ne a rotloetsa bomme go dirisa mananeo a puso e a intshitseng go tlhabolola matshelo a bone go ba ntsha mo manokonokong a lehuma go tshela matshelo a a eletsegang. Mananeo a tshwana le la Gender Affairs le le itebagantseng le go thusa bomme go ka itshimololela dikgwebo gammogo le la SHHA go ka ikagela bonno jo bo eletsegang. O ne a tlhalosa gore fa ba ka tlhwaafalela dikgwebo tsa bone ba ka kgona go tlhama diphatlha tsa mebereko mme se se ka thusa go fokotsa letlhoko la ditiro mo kgaolong ka ponyo ya leitlho. Mme Kruger o supile gape gore e le mmatoropo le makhanselara a gagwe, ba itlamile go direla setshaba sa toropo ya bone ka botswapelo ka jalo ba itshegetse dielo go bona gore ba isa ditirelo kwa setshabeng le gone go itseela ka tsebe matshwenyego le dikeletso tsa bone go bona gore ba ka atolosa ditirelo tsa bone ka tsela e e faphegileng ba setse dikeletso tsa morafe morago. Fa a fa malebo, mokhanselara wa kgotla ya Tsopeng Bokone, Rre Gofaone Kedise o ne a iteela kobo moroko mafoko a banni gore melao ya tsa phiro le pereko e setse e siilwe ke nako ka jalo e tshwanetse go fetolwa. O kopile mmatoropo go laletsa mopalamete wa kgaolo gore ba tle ba mo neele mofago wa go isa tshutiso eo kwa palamenteng ka jaana bone ba sena thata ya go fetola melao e e tlhomilweng ke palamente. politics 7 Setshaba se kopiwa go aba madi a mmele Morotloetsi wa go aba madi a mmele kwa lekalaneng la National Blood Transfusion Service, Mme Tumelo Ramalebang, o kopile setshaba go nna le mowa wa go aba madi a mmele go boloka matshelo. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Ramalebang o supile gore nako eno ya mafelo a ngwaga tiriso ya madi a mmele e ya magoletsa ka mabaka a a farologanyeng. “Fa ngwaga o fela jaana, bontsi bo tsaya mesepele go ya mafelong a a farologanyeng, ka jalo dikotsi tsa dikoloi di oketsege mme madi a mmele a felele a tlhokega go boloka matshelo a batho ba ba amegileng.” Mme Ramalebang o tshwaetse jalo e bile a kaya gore madi a mmele a dirisiwa gape fa go dirwa loaro ga mmogo le mo peleging le fela fa batho ba lwala. A re lephata le lebaganwe ke kgwetlho e tona ya tlhaelo ya madi a mmele bogolo jang mo nakong eno ya fa dikole di tswetswe le jaaka baithuti ba ne ba kwala ditlhatlhobo. O boletse gore lephata le tsaya selekanyo sa madi sa diperesente di le masome a marataro kwa dikoleng ka jalo fa go tswalwa, ba nna le kwelo tlase. O bile a kopa setshaba go tla ka makatlanamane go tla go aba madi a mmele. A re lefatshe le tlhoka selekanyo sa madi sa dipaente di le 40 000 mo ngwageng mme lephata le kgona go bona fela dikete tse 22 000. Mme Ramalebang o gwetlhile setshaba go dira kabo ya madi a mmele, mokgwa wa go tshela kana ngwao ka gore ga go duelelwe. A re, e re ntswa ba na le kgwetlho go anama lefatshe ka bophara, lephata le na le makalana kwa mafelong a tshwana le Mahalapye, Serowe, Maun, Molepolole, Gaborone le Francistown, kwa batho ba ka abang madi a mmele teng. O tlhalositse gore madi a a tlhatlhobiwa pele a ka tshelwa mo balwetseng. A re batho ba ba ka abang madi ke ba dingwaga tse 16 go ya go tse 65. Borre ba aba makgetho a mane fa bomme ba aba makgetho a le mararo fela. health 6 Lenaneo le thusa Mojombe go tshela toro ya gagwe Mme Queen Mojombe wa Kisa kwa kgaolong ya Kgalagadi ke mongwe wa Batswana ba ba sa iponang tsapa go tsaya lenaneo la nyeletso lehuma ka maikaelelo a go tokafatsa botshelo jwa gagwe. E re ka dithunya di le gaufi thata le pelo ya gagwe, o supile fa a ne a seka a tsietsega go kgetha tshingwana ya dithunya gareng ga tse dingwe tse di leng teng mo lenaneong la nyeletso lehuma. Fa a bua mo potsolotsong le bosheng, o tlhalositse fa go goleng ga gagwe a ne a rata dithunya bobe, mo a neng a seke a tlhoka go di lema fa pele ga ntlo le gone go dikologa lelwapa la gagwe. “Ga go na sepe se se itumedisang jaaka go phakelela monko o o monate le go itemogela monyenyo wa dithunya fa di utlwa marang a letsatsi mo mosong,” go tlhalosa jalo Mme Mojombe. Lerato le le kalo la dithunya le ne la gola ngwaga go ya ngwageng go ya ka Mme Mojombe, a tlatsa ka gore puso e mo thusitse go fitlhelela toro ya gagwe ya go ipona a tshela fa go leng mebala e e farologaneng botshelo jwa gagwe jotlhe. A re ka a ne a tshela a sa itshwarele sepe ka diatla e rile a utlwalela lenaneo la nyeletso lehuma a seka a akanya gabedi a ya go kopa go thusiwa ka tshingwana ya dithunya ka ngwaga wa 2013. O kaile fa ka lesego e rile ngogola a bo a agelwa tshingwana, a tlhomelwa tanka ya metsi a bo a isiwa dithutong tsa temo le tlhokomelo ya dithunya gammogo le thekiso ya tsone. Mme yo o dingwaga tse di masome a mane le boferabongwe yo a re o thusitswe ka mefutafuta ya dithunya tse di kgatlhisang leitlho. Mme Mojombe a re o ipona a segofetse go bo a bone tiro e a tlaa itshetsang ka yone go tokafatsa botshelo kwa gagwe. A supile fa o solofetse go le gontsi mo tshingwaneng ya gagwe, mme e bile a tlaa leka bojotlhe gore a seka a bo a kgojwa marapo ke sepe. “Botshelo jwa me bo fetogile, ke itumedisiwa ke gore lorato lwa dithunya lo nkisitse tseleng ya tsholofelo,” go tlhalositse jalo Mojombe. O tsweletse ka gore lenaneo la nyeletso lehuma le mosola thata ka le inola Batswana mo lehumeng, le ba fa seriti e bile le tsweletse ka go tlodisa ba le bantsi melatswana. Mme Mojombe a re o rotloetsa Batswana go diragatsa ditoro tsa bone, ba lese go inyatsa mme e bile ba kope dithuso fa ba tlhaetseng teng. O tsweletse ka gore o itemogetse fa go le bonolo thata go bereka kgotsa go inaakanya le se se gaufi le pelo ya gagwe, a re o rata thata e bile ga a ipone a dira sepe gape ko ntle ga go tlhokomela dithunya. Mme Mojombe o rekisa dithunya tsa gagwe tse di farologaneng kwa motseng wa Kisa le e e dikologileng mme a re o dumela fa a bona theko e e botoka kwa motseng wa Tsabong. O kaile fa dithunya tsa gagwe a di rekisa go simolola ka madi a a kana ka dipula di le lesome mme tlhwatlhwa e tsamaya ka selekanyo sa kgolo ya semela. A re mo dingwageng tse tlhano tse di tlang, o bona kgwebo ya gagwe e dira sentle fela thata, a re o eletsa go reka koloi e e tla mo tlhofofaletsang go tsamaya a rekisa motse le motsana. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Dipaakanyetso tsa go goroga ga molelo di tsweletse E re ka dipaakanyo tsa kgorogo ya molelo wa kgolagano mo motseng wa Molepolole di ile magoletsa, Bakwena ba supile fa ba ikiteile sehuba go o amogela ka maatlametlo a magolo. Molelo o o sa tswang go goroga kwa motseng wa Kgope mo kgaolong ya Kweneng kgwedi ya Phukwi e le masome a mararo o tswa kwa kgaolong ya Kgatleng, o solofetswe go goroga mo motseng wa Molepolole kgwedi eno e le lesome le bobedi mme go solofetswe fa o tlaa tsaya malatsi a le mane mo motseng oo. E ne ya re bosheng Kgosikgolo Kgari wa boraro wa Bakwena, a rolela komiti e e baakanyetsang kgorogo eo ya molelo le meletlo ya boipuso,maina a dikgotlana tse ditona di le nne tse e leng tsone dimapo tsa motse wa Molepolole tse molelo o tla yang kwa go tsone pele o fetela kwa Letlhakeng. Maina a dikgotla tse di boletsweng tseo ke kgotla ya Mokgalo, Tshosa, Maunatlala le gooNtloe dibe. Le fa go ntse jalo, dithulaganyo tse di dirilweng ke gore molelo o gape o isiwe ko mafelong a mangwe a a nang le ditso tsa Bakwena jaaka kwa Logageng lwa ga Kobokwe, kwa Ntsweng kwa gone go nang le mabitla a dikgosi tsa Bakwena le mafelo a mangwe a a humileng kana a na le bokao ja ditso tsa morafe wa Bakwena. E re go ntse jalo tsholofelo ke gore kwa dikgotlaneng tseo le mafelo a a boletsweng go tlaa nna le borara ja motse jo bo itseng ditso tsa morafe wa Bakwena go tlhalosa ka botlalo. Modulasetilo wa komiti eo, Rre Aaron Mhiko a re komiti le setshaba ka kakaretso di tshwere ka natla go dira dipaakanyo tse di tlaa kgatlhang leitlho bogolo jang mo dikgorong tsotlhe tse di tsenang ka motse wa Molepolole. Komiti eo gape e rulagantse gore e tlaa re kgwedi eno e le lesome le bongwe letsatsi pele ga kgorogo ya molelo go nne le motseletsele wa dikoloi go ralala motse wa Molepolole maikaelelo a seo e le go oka setshaba go tla go ipela le go gorosa molelo. society 9 Boradinama ba falotse ka tshoba la mogodu Banna bangwe ba le bane ba falotse molato wa bogodu jwa leruo o o neng o ba lebane kwa Shashemooke morago ga gore mongongoregi wa kgang a e tsholole. Banna ba ke Justice Botsie wa dingwaga tse 37, MacDonald Mokgothu yo o 47, Goitsemodimo Sebetela yo o 22, ga mmogo le Modise Sebetela yo o dingwaga di 22. E ne ya re bosheng ba fitlhelwa ka dinama tsa dikgomo tse tharo ke mapodisi a Gerald kwa Francistown ka makuku a naka tsa kgomo. Kgang e ne ya begwa semmuso kwa lekgotleng la Setswana kwa Shashemooke, mme ditlhotlhomiso tsa tswelela. Mo ditlhotlhomisong tsa tiragalo e go ne ga lemosega fa dikgomo tseo tsa tshipi ya C K B Y tsa mebala e khunwana, e tshunyana le e tlhabana di ne di senyakilwe matshwao e le tsa ga Rre Senatla Oneile wa Shashemooke yo a neng a le mo patlong ya tsone kwa merakeng ya Mooke. E ne ya re tsheko e tshwanetse go tsena kgwedi eno e le lesome le botlhano, basekisiwa ba lopa gore ba fiwe sebaka go ya go buisana le mongongoregi. Ka jalo lekgotla la sekegela tsebe topo ya basekisiwa mme ba nna le sebaka go kopana go buisana kwa bothokong. E ne ya re fa tsheko e e tsena gape kgwedi eno e tlhola masome a mabedi le motso, mongongoregi a tlhalosa fa pele ga lekgotla gore jaaka basekisiwa ba ne ba lopile go nna le dipuisano le ene, ba ne ba itshwarelana mme ba tshephisana fa jaanong ba tlaa agisana. “E re le ntswa go utswiwa le go bolawa ga dikgomo tsa me go ntlogetse ke gamaregile ke bohutsana, ke kgonne go buisana le basekisiwa mme e bile ke dumalane le bone gore ke a ba itshwarela ke tsholola kgang,” a bua jalo. O ne a tlatsa ka go re basekisiwa ba mo tshephisitse fa ba tlaa dirisanya le ene sentle jaaka baagisanyi mme e bile ba tlaa mo thusa le go batla dikgomo tse dingwe tse le tsone di saleng di nyeletse. Rre Oneile o ne a tlhalosetsa lekgotla gore ga a kitla ka lepe letsatsi a supasupana le basekisiwa ka monwana mabapi le kgang e. Kgosi David Adam wa Shashemooke o ne a tlhalosa gore o amogela ka oo mabedi tshwaragano le kagisano ya bone mabapi le kgang e, mme ka jalo tsheko e tlaa tshololwa. Fela mme kgosi o ne a supa fa a sa itumedisiwe ke mokgwa o wa go tshololwa ga dikgang, segolo bogolo tsa mofuta o ke. A re dikgang tsa bogodu kgotsa borukutlhi bope fela ke dingwe tsa dikgang tse di masisi mme e bile di tsweletse ka go tshwenya. Ka jalo a gatelela fa dikgang di tshwana le tse di tlhokana le go tseelwa dikgato tse di gagametseng gore kgabagare di nyelele nyeledi. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Mme o gatetse pele ka lenaneo Lenaneo la nyeletso lehuma le tsweletse ka go ntsha Batswana mo seretseng. Kwa Mahalapye, motlhala wa lone o setse o itshupa mo banning ba akaretsang Mme Kgalalelo Shoshong. Fa a bua mo potsolotsong, Mme Shoshong, yo o dingwaga di masome mararo wa kgotla ya Tidimalo, o tlhalositse fa a na le kgwebo ya go roka paka ya sekole le ya kereke, masire a lenyalo le diaparo dingwe le dingwe tse bareki ba di batlang. O kaile fa a ithutetse go roka kwa Borolong Vocational Training Centre kwa Pitsane ngwagatlola. Morago ga go fetsa dithuto o ne a ya go berekela moroki mongwe, seo e le tsela nngwe ya go ithuta gore kgwebo e tsamaisiwa jang. Gape o ne a reka didirisiwa tse a tlaa di dirisang mo kgwebong ya gagwe. O boletse fa a ne a thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma ngogola ka didirisiwa tse di rokang mme kgwebo ya gagwe ya simolola ka Seetebosigo. O tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e tsamaya sentle. A re bareki ke batsadi ba ba rekang paka ya sekole, maloko a dikereke, batho ba ba nang le manyalo le ba ba tlang ka matsela ba batla go rokelwa diaparo tse di faphegileng. O kaile fa kgwebo e dira sentle ngwaga o simolola fa dikole di bulwa le dikgwedi tsa bofelo tsa ngwaga fa manyalo a bulelwa, mme kgwebo e wela tlase mariga. Mme Shoshong o boletse gore kgwetlho e tona e a kopanang le yone ke gore Batswana bangwe ga ba mo rotloetse ba itlhophela go rokelwa ke batswakwa. O tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e mo thusitse mo a kgonang go jesa bana le go ba isa sekoleng. Le fa kgwebo e simolotse ngogola, Mme Shoshong o boletse fa a setse a kgonne go ikagela ntlo e bile a e goketse motlakase le ntlwana e e dirisang metsi. O tlhalositse fa a eletsa go ipona a na le madirelo a matona a go roka a thapile banana ba bangwe, bogolo jang ka gore ga go na madirelo kwa Mahalapye. Mme Shoshong o ne a gakolola banana gore ba seka ba itsapela kgwebo. O tlhalositse gore le fa kgwebo e sa dire sentle e tshwanetse go itshokelwa. economy_business_and_finance 3 Inaakanyeng le makgotla a dikoporase Mopalamente wa Kgaolo ya Shoshong Rre Phillip Makgalemele o kopile banni ba motse wa Bonwapitse go simolola dikgwebo tsa dikoporase ka e le tsone tse di ka tlhabololang matshelo a bone le go bulela banana ba motse oo diphatlha tsa mebereko. Rre Makgalemele o boletse se mo phuthegong ya kgotla kwa Bonwapitse gore e le banni ba motse oo, ba ka ipopa ditlhopha tse ka tsone ba ka adimang madi kwa bankeng ya ditlhabololo tsa setshaba go simolola dikgwebo tsa dikoporase di tshwana mabogodika,,baji-bareki le theko le thekiso. A re, e re ka itsholelo ya lefatshe leno e ikaegile ka temo-thuo, o rotloetsa batlhophi ba kgaolo ya gagwe go simolola dikgwebo tsa dikoporase tse di ka itebaganyang le go rekisa di dirisiwa tsa temo,melemo ya leruo,dijo tsa dikgomo le go reka diterekere tse ba ka di dirisang go lemela Batswana ka lenaneo la ISPAAD. Mopalamente o tsweletse ka go kgala a menne phatla Batswana bangwe ba go bolelwang ba tsweletse ka go rekisa ditsha tse ba di abetsweng ke makgotlana a kabo-ditsha, mme morago ba ye go kopa ditsha tse dingwe ntswa lefatshe lone le sa gole. Rre Makgalemele yo a neng a araba selelo sa ga Kgosi Tlotswana Tshegang yo a neng a supa matshwenyego ka batho ba ba rekisang ditsha tsa bonno phetelela,,o tlhalositse fa Tona wa lephata la Ditsha le Matlo Rre Lebonaamang Mokalake a tlhomile lekoko le le sekasekang dikgang tsa go tlhoka go abiwa sentle ga lefatshe. A re maikaelelo ke go dira molao o tla kgoreletsang batho ba ba rekisitseng ditsha tsa bone go abelwa ditsha tse dingwe ka jaana go lemogilwe fa batho bangwe ba gweba ka go rekisetsa batswakwa lefatshe ntswa gona le Batswana ba ba santseng ba tlhoka lefatshe la bonno. Mo phuthegong eo banni ba Bonwapitse ba iteetse barutabana ba sekole se se botlana sa motse oo legofi go bo ba dirile sentle mo ditlhatlhobong tsa lokwalo la bosupa ngogola, mme ba re ba ka leboga go menagane fa ba ka tswelela ka go dira jalo le mo dingwageng tse di tlang. Le fa ba itumeletse ditlhabololo tse di dirilweng ka lenaneo la Ipelegeng mo motseng wa bone,ba kopile go agelwa ntlwana ya poso, go gokelelwa motlakase mo dikagong tsa puso di tshwana sekole se se botlana,kokelwana, ofisi ya kgotla gammogo le go okeletswa dipompo tsa metsi ka jaana motse wa Bonwapitse o gola tsatsi le letsatsi. economy_business_and_finance 3 Mapodisi a kopa thuso Sechaba se kopiwa go batlisa mapodisi a Moshupa, Mme Botlhe Malalawesi wa dingwaga tse di masome a mabedi wa kgotla ya Mmaseetsele kwa Moshupa. O bonwe la bofelo kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi a le lesome le boferabongwe ka nako ya lesome le bobedi motshegare. O dule mo lwapeng a sa laela ope kwa a yang teng. Mme Malalawesi o itekanetse sentle mo tlhaloganyong. Go kaiwa faa dule mo lwapeng a apere sekete se sentsho se le sekhutshwane le sekipara se sentsho se kwadilwe Love mo sehubeng, le ditlhako tse dintsho. O mmala wa thupa tsa maretlwa. Yo o ka mmonang o ka ikgolaganya le ba sepodisi sa Moshupa ko mogaleng wa 5449222, 5449268, 5449578 kana a leletsa mapodisi a a gaufi ko mogaleng wa 999. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Batho ba ba fetang 6 000 ba tlodile kwa Ramokgwebana Matshwititshwiti a ne a tshologela kwa molelwane wa Ramokgwebana go simolola Moranang a tlhola malatsi a le mabedi mo motshegareng go fitlhela letsatsi le le latelang. Mo potsolotsong, mogolwane wa molelwane oo Rre Boikaego Bosele wa lephata la tsa taolo mesepele a re Batswana ba tloletse kwa Zimbabwe ka dipalo tse dintsi go ya go keteka letsatsi la paseka. Rre Bosele o tlhalositse fa tirisanyo fa gare ga bone le batho e le ya maemo a ntlha mme o ne a supa fa a itumelela tirisano mmogo, a bolela fa ba kgaogantse mafelo gore go thusa batho go nne bofefo. A re matshwenyego a ba kopaneng le one, ke a bangwe Batswana ba ba tsamayang le bana ba tlogetse ditlankana tsa bone tsa matsalo kwa morago. A re mangwe a matshwenyego ke a Batswana ba ba etang ka bana ba masika le ditsala, mme ba sa tshwara dipampiri tse di supang teseletso ya go tsamaya le bana bao. Rre Bosele a re go na le batho bangwe ba morafe wa Zimbabwe ba ba supileng fa ba sa itse kwa ba ya teng mo lefatsheng leno. O supile fa ba ba tseneng mo lefatsheng leno ba le 2 946 mme ba ba duleng ba le 6 222, a tlatsa ka gore dipalo tseo di ya go oketsega, ka ba ne amogela dikwalo go tswa kwa baemeding ba dikereke go supa loeto lwa bone. Mogolwane wa molelwane wa Matsiloje, Mme Goitsemodimo Matshidiso a re ba dirisana sentle fela ba ba tlolang molelwane, ebile bone ga gona le fa e le mosuke. O tlhalositse fa gantsi mosuke o nna teng fa batho ba setse ba boa, ka ba dirisa molelwane wa Matsiloje thata. Mme Matshidiso a re matshwenyego a ba itemogetseng ke a batho ba ba tsenang mo lefatsheng leno e se ka fa molaong. A re ba setse ba tshwere batho ba le masome a mabedi le bongwe, a tlatsa ka gore ba le lesome le bosupa ba duetse melato, fa ba le bane ba filwe mapodisi a Zimbabwe. O supile fa batho ba ba tseneng mo lefatsheng leno ba le 176 mme ba ba duleng ba le 776 go simolola ka Labone go fitlhela ka Labotlhano mo motshegareng. religion_and_belief 8 Ba Maitengwe ba akgola ditirelo tsa puso Banni bangwe ba motse wa Maitengwe mo kgaolong potlana ya Tutume bogolo thata bagodi ba ba amogelang madi a bagodi ba supa fa ba itumelela thuso e ba e fiwang kwa posong ya motse oo. Mo potsolotsong le BOPA bosheng, jaaka ba ne ba phuthagane kwa posong go tla go tsaya lemme la bone, ba supile fa puso e ba direla tiro motlhofo. Rre Jeremiah Bonyongo ke mongwe wa bagodi ba ba tlhalosang fa poso e le botlhokwa, a re ntle le gore ga a tsamaye sekgele se se kalo go ka bona madi a bone, poso e ba thusa thata go ka boloka bontlha bongwe jwa lemme leo. Rre Bonyongo o supile gape gore gone kwa posong o nna le sebaka sa go ka reka motlakase gape go ka romela madi go tswa kwa ntle ga motse wa Maitengwe. Mme Dambe Bulayani le ene o tshwaetse fa poso e ba bolokela nako ya go nna ba ya kwa metseng e mengwe go bona dithuso tse di farologaneng tsa poso, a re ene se se mo kgatlhisang ka ditirelo tsa puso ke gore ditirelo tsa botlhokwa di akaretsa go reka motlakase le gone go duela metsi di gone fela foo. Bontsi jwa bagolo ba re le ntswa poso tse dintle ba santse ba le bête se molangwana ka letlhoko la matlo a boiteketso gone fa posong. Fa a tswa la gagwe Mme Mompoloki Gaafiwe yo o okametseng poso eo , o tlhalosa fa ditirelo tsa poso eo di akaretsa go duela madi a bagodi,go romela le go amogela madi, go duela badiri ba Ipelegeng, go rekisa ditempe, go romela dikwalo kwa mafelong a sele ga mmogo le go amogela tse di tsenang. Mme Gaafiwe a re tirelo e nngwe e poso e e fang sechaba ke gone go ba fa sebaka sa go romela madi kwa lefatsheng la Zimbabwe ka western union le gone go amogela madi go tswa lefatsheng leo. Mme Gaafiwe o supile fa tirisano mmogo fa gare ga banni ba motse le badiri ba poso e kgatlhisa, a re ba ete ba itemogele dikgwetlho di akaretsa go dira ka bonya ga maranyane a entanete, fa gongwe ba felelwe ke madi ba santse ba tsweletse ba amogedisa. Le fa go ntse jalo a re diemo tse ga di ke di dira ba ba tsileng go amogela dithuso go kokega maikutlo, ka jaana fa ba tlhalosetswa ka bothata jo bo tlhagogileng ba a tlhaloganya ntle le dikgogakgogano. society 9 Josiah ke sekai sa go ipelega Monana yo o ipuletseng kgwebo ya go apaya borotho, Mme Lucia Josiah, wa kgotla ya goora Moabi kwa Kanye o rotloeditse banana go itlhamela diphatlha tsa mebereko ka go ipulela dikgwebo. Mme Josiah o buile jalo mo potsolosong bosheng. A re ene ke sekai sa gore go itlhamela mmereko go motlhofo ka e erile morago ga go nna lebaka a sa bereke gope a bo a ipulela kgwebo ya go apaya borotho. Mme Josiah a re o butse kgwebo eo ka madi a a neng a a kgobokanya ka semausu se a neng a itshetsa ka sone. Mme Josiah a re o ne a aga ntlwana e e nang le magotsetso a molelo a a apeelang borotho,mme o apaya magwinya, mapakiwa le mefuta e mengwe fela jalo. E rile morago ga go bona gore kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle, a bo a simolola go ipapatsa ntlwana le ntlwana.Mme o feletse a nna le bareki ba bantsi ka ba bangwe ba rekela go ya go rekisa. Mo nakong ya gompieno, o apeela meletlo ka go farologana jaaka manyalo le e mengwe, a re se ke sekai sa gore o dira tiro e e tsepameng. “Ke batla go rotloetsa banana go nna pelotelele mo dikgwebong tsa bone ka go se motlhofo go bona dipoelo ka bonako ka malatsi a mangwe kgwebo e nna kwa tlase fa a mangwe e ntsha maduo a a bonalang. Fa kgwebo e ntsha dipoelo ga wa tshwanela go isa dipoelo tseo ganong mme o tshwanetse wa boloka dipoelo tseo go tsamaisa kgwebo ya gago fa o feletswe ke didirisiwa’’, a tlhalosa. Mme Josiah a re banana ba lese go itsapela mananeo a puso a go bula dikgwebo ka a diretswe bone gore ba itshetse ka e se botlhe ba ba ka berekang. Le fa go ntse jalo, Mme Josiah a re dikgwetlho tse a kopanang le tsone ke gore marekisetso a gagwe a mannye e bile a tlhaela ka ditlamelo di le dintsi, mme o sale a ikopetse go thusiwa ka madi a banana mme mo nakong ya gompieno ga a ise a bone thuso ka lenaneo leo. A re keletso ya gagwe ke go bona a godile a na le madirelo a a atologileng gore a kgone go apaya mefuta e mengwe ya borotho. A re o eletsa gore fa marekisetso a gagwe a godile a nne le sebaka sa go bulela ba bangwe diphatlha tsa mebereko. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Banni ba lela ka seemo sa holo Banni ba Tsabong mo Kgaolong ya Borwa ba tshwenyegile ka seemo sa ntlo lehalahala ya motse wa bone. Mme Lebogang Itumeleng o boletse mo potsolotsong gore ntlo lehalahala eo e na le dingwaga e sa baakanngwe. A re e le ba setlhopha sa Tsabong Promotions ba dirisa ntlo lehalahala go dira maitiso ba kgobokanya madi maikaelelo ele go thusa mongwe yo o kobo dikhutswane go mo agela ntlwana ya boitiketso,ka ba diragatsa lengwe la matshego a tebelopele la 2016 la “ tshaba e e lorato ebile ele kutlwelo botlhokole” le gore gape ba itshetsa ka matsana a teng ka ba sa bereke gope. Mme Itumeleng o tlhalositse fa matlhaba phefo a ntlo lehalahala eo bontsi jwa one a thubegile mo ka fa ba dirile maitiso go tshwana le fa ba eme mo labatleng, a re mangwe a tsone a thibilwe ka disenke mo go leng diphatsa a supa fa go le thata mo badirising ba ntlo eo. O ne a tsweletse ka go tlhalosa fa ntlo lehalahala ya motse oo, e le nnye ka e sa lekane. A re dingwe tsa ditshenyo tse di mo ntlo lehalahala eo di akaretsa go thubega ga matlhabaphefo, matlo a boiteketso aa sa berekeng ebile a sena metsi le gore ga ana mabati. O kopile gore dinako tsa diteseletso di okediwe gore di tshwane le ya di night club ka di ka banana mo ditirong tse di makgaphile tsa bogodu ka ba tlaa bo ba diilwe ke maitiso. A re gape banana ba ka e dirisa go itshetsa le go itlosa bodutu ka kgaolo e sena mafelo a itloso bodutu. Monnasetilo wa komiti ya motse ya VDC Mme Malebogo Tebele are seemo sa ntlo eo ba tlhaloganya e beile ba itse ka sone. O kaile fa e sale a tsena mo komiting e ka 2010 ba fitlhetse ntlo lehalahala e onetse. Mme Tebele are madi a ba e hirisetsang batho ka one ba ntse ba leka go e baakanya mme ga ba kgone ka letlole le kolota koporasi ya metsi madi a kanang P25 000 yo ba lekang go mo kgaola kgwedi le kgwedi. O tlhalositse fa ngwaga le ngwaga ba begela morafe kwa kgotleng ka seemo sa motse. O tlhalositse fa ba nna ba kopa gore ntlo lehalahala e okediwe gape e nne le ntlo ya dipuisanyo (conference room) gore e tsamaelane le dipaka tsa segompieno mme fa madi a ditlhabololo a tswa ntlo lehalahala ga e nne mo teng go dirwa tse dingwe. society 9 Mokgatlho wa Shegotja Molelo o reka koloi E rile bosheng maloko a mokgatlo wa bomme wa Shegotja Molelo kwa Letlhakeng ba phuthegela kwa kgotleng ya Molehele go supa koloi ya mokgatlho. Fa a tlhalosa tsamao ya go reka koloi ya mokgatlho oo, modulasetilo wa lekalana la Molepolole la Shegotja Molelo, Mme Gaotsholwe Mosesane o ne a kaya fa madi a ba rekileng koloi ka one, a ne a kolekwa ke maloko. maloko. Mme Mosesane o ne a tlhalosa fa ba ne ba bonye go le botoka gore ba reke koloi ya mokgatlho e tlaa nnang e dirisiwa ke ba ofisi e tona ya Shegotja Molelo go lekola makalana a Shegotja Molelo a a mo mafelong a mangwe a a kgakala le ofisi e tona. A re fa go na le koloi go bofefo thata fa koloi e le teng a tlhalosa fa gape koloi eo e tlaa supa fa ba itsaya ka tlhwaafalo e le mokgatlho wa bomme. Fa a ntsha la gagwe,Tautona wa Mokgatlho oo, Mme Goleba Mokwena o ne a kaya fa maloko a mokgatlho wa gagwe a itsaya ka tlhwaafalo thata ka jalo a ba gwetlha go tswelela ba tshwara mowa o montle oo. O ne a tswelela a tlhalosa fa a itumelela gape go bo ba na le bagokolodi ba banana mo mokgatlhong wa bone. O ne a tswelela a tlhalosa fa mokgatlho wa bone o rile ka ngwaga wa 2013 fa o tlhomamisiwa semmuso ka mokete kwa Letlhakeng, ba ne ba abela mme mongwe wa leloko la bone semausu a lemoga le tirisanyo mmogo ya bone le banka ya Botswana Building Society. Mme Mokwena o ne a tlhalosa fa mokgatlho wa bone o tsweletse ka go gola ka jalo ba le bantsi ba eletsa go tsena mo mokgatlhong o. economy_business_and_finance 3 Koporase ya metsi e diegela ba Tswapong Tiego ya ba Koporase ya metsi (water utilities) ga e itumedise banni ba Mokungwane, Matlhakola, Lecheng le Malaka kwa kgaolong ya Tswapong Bokone. Banni ba boleletse Mopalamente wa kgaolo, Rre Prince Maele mo diphuthegong tsa kgotla fa ele dingwaga koporase ya metsi e ba solofeditse go ba tsenyetsa dipompo tsa metsi mo malwapeng.Bangwe ba bone ba boletse gore ba sale ba episitswe mesele ke ba lephata la water affairs ebile mesele e setse e kategetse. Fa a ba araba, mogolwane wa Water Utilities kwa Palapye Rre Vincent Zuze o tlhalositse fa koporase ya bone e santse e tsweletse le go leka go busetsa seemo fa se tshwanetseng. A re erile ba tsaya mo go ba water affairs ba fitlhetse go na le mathata one a go tsaya sebaka go sa tsenyediwe batho dipompo, bangwe e le ba ba duetseng mme ba sa tsenyediwa fa bangwe ba episitswe mesele ya bo e nna foo. A re segwe sa dilo tse di neng di diya go ba tsenyetsa metsi ke letlhoko la didirisiwa le tlhaelo ya madi mme gompieno ba setse ba simolotse go tsenya kwa metseng mengwe. Banni ba ne ba kopa Mopalamente gore tsela e e tshwaraganyang metse ya Lecheng, Mokungwane, Matlhakola le Goo Sekgweng e tshelwe sekontere. Rre Maele o ne a re kgang ya letlhoko la metsi ke kgwetlho e e batlang go rarabololwa ke bagolo ba koporase ya metsi ka e lebega e batla go tsewa ka tlhowafalo, mme o tlaa ba e thusa. Ya go tsenya tsela sekontere a re ga e kake ya tshelwa ka ba ka dirisa tsela ya sekontere e e yang kwa Sherwood a re bogolo tsela e ba buwang ka yone e ka kopelwa gore e gopiwe. Mo go tse dingwe o tlhalositse fa kopo ya kgokelo motlakase kwa Mokungwane e le mo tafoleng kwa go ba ba tshwanetseng mme a solofela fa e tla akarediwa mo dikopong tse dingwe fa madi a le teng. Kwa motseng wa Lecheng, Rre Maele o tlhalositse fa kopo ya go tsenya motshelakgabo e tshwanetse ya lebagangwa le mokhanselara ka go re ditsela tse di mo motseng di wela ka fa khanseleng. society 9 A re se thanye le le tsebeng –Siele Molwela ditshwanelo tsa bana wa lekgotla la ditshaba le le itebagantseng le tlhokomelo le kgodiso ya bana la UNICEF, Rre Peter Siele a re fa Batswana go ka seka ga engwa kgatlhanong le tiriso botlhaswa ya bana go santse go na le nako, lefatshe leno le ka iphitlhela le duba thankga. Rre Siele a re fa Batswana ba ka seka ba ikela tlhoka,bokamoso jwa baeteledipele ba ka moso bo ka ba tswa ka diphatlha tsa menwana, kgabagare lefatshe la lalthegelwa ke dikitso tsa go tsamaisa itsholelo ka ntata ya gore bokamoso jwa lefatshe e leng bana ga ba a sirelediwa. A re batsadi ba tshwanetse go sireletsa bana gore ba tshware dingwaga tsa go direla le go etelela lefatshe pele, e seng jalo lefatshe leno e tlaa re ka moso le bo le tsaya dikitso kwa mafatsheng a sele.” O buile jaana kwa phuthegong ya kgotla e maikalelo a yone e neng e le go phatlalatsa letsholo la ntwa kgatlhanong le tiriso botlhaswa ya bana la ‘Eseng Mo Ngwaneng’ kwa Ghanzi ka Labobedi. Rre Siele a re mo nakong e e fitileng, kgodiso ya ngwana e ne e dirwa ka tsela e e faphegileng gore a tshware dingwaga tse di lekaneng gore o ka nna motsadi, a tlhalosa gore gompieno bana ba nna batsadi pele e nna bagolo. O supile gore bana ba godisiwa botlhaswa, e bile ba dirisiwa mo ditirong tsa tlhakanelo dikobo. Rre Siele o supile fa go na le banna ba ba robalang le bana ba bannye ba re ba itlhatswa madi, “Ga ke ise ke utlwe gope go twe ngaka e kile ya re fa motho madi a gagwe a le leswe o ka a tlhatswa ka go robala le ngwana, mme ke berekile le dingaka,” a tlatsa. O supile fa dipatlisiso tsa ba thuto e potlana di supa fa bana ba bannye ba amega mo ditirong tsa tlhakanelo dikobo go tswa ka ngwaga tse some e bile dipatlisiso tse di supa gore bana ba tlogela dikole ka ntata ya boimana. Rre Siele a re go supagetse fa tlhakanelo dikobo e, e diragala fa gare ga bana le batho ba bagolwane mo go bone. A re fa ba sena go ba senyetsa bokamoso ga ba ba tlhokomele, ba inaya naga mme maina a bone a sirelediwe go sa sirelediwe ngwana yo o senyegetsweng ke bokamoso. A re dipego tsa dikgang di kile tsa umaka bangwe mo maemong a sepoloki mo ditirong tsa go dirisa bana botlhaswa. O ne a gakolola batsena phuthego gore lefatshe la Botswana le na le kgolagano le mafatshe a mangwe go bona gore a bana ba tshwarwa sentle ebile ba beile ditsamaiso tseo monwana. Rre Siele a re ke gone ka moo e rileng ngwaga o o fetileng mohumagadi wa ga Tautuna Mme Neo Masisi a simolodisa letsholo la ‘Eseng mo Ngwaneng’ semmuso. A re molao wa bana o tshwnetse go obamelwa e bile go tshwanetse ga nna le dikomiti tse di tlhokomelang matshelo a bana mo metseng le mo metsaneng, go itebanganya le go lwantsha tiriso botlhaswa ya bana. Mongwe wa banni ba Ghanzi, Rre Bota Setima o ne a supa bomme ka nonwana gore fa borre ba re ba kgalemela bana, ba ema le bana. A re fa seemo se se ka tswelela se ka baya bana ka fa mosing, ka jalo a kopa bomme le borre go kopanela kgodiso le go kgalemela bana. Mme Kabo Stoffel ene o ne a supa fa dikgang tsa kgokgontsho kgotsa tiriso botlhaswa ya bana di tsaya lebaka go sekwa. Mme Stoffel o tlhalositse fa batsadi bangwe ba tsogela mo majalweng, ba tlhole koo, mme ngwana a gole a itse gore bojalwa ke dijo. O ne a kopa gore ba ba isang bana kwa marekisetso a bojalwa le ditagi kgotsa ba ba rekisetsang bana majalwa le ditagi ba gagamalediwe setoropo. O ne gape a supa fa borre ba oka bana ka madi le go ba rekela megala ya letheka. A re batho ba mofuta o ba tshwanetse go ya go disa poo gore bana ba fatlhoge. E rile a ntsha la gagwe, Rre Ombara Meroro o tlhalositse gore go a tshwenya go bona bana ba etela marekisetso a bojalwa. Rre Andrew Molatole o ne a kopa gore go simolodisiwe letsholo la ‘ngwana khumo’ fela le le tshwanang le la KgomoKhumo a re le ka ntsha maduo. Fa a tsibogela mafoko a banni, Rre Siele o ne a supa gore go le gantsi bana ba ba tswang setlhabelo mo tirisong botlhaswa ba tswa mo malwapeng a a tlhakatlhakaneng a batsadi ba ba tsogelang kwa majalweng ga mmogo le malwapa a go nang le dintwa fa gare ga bakapelo kana banyalani. O ne a dumalana gore letsholo la ngwana khumo le ka tswa ka maduo. A re o solofela gore go tlaa nna le letsholo la mofuta oo, ka ba kile ba buisana le palamente mo malatsing a a fetileng. Rre Siele o supile gore batho ba ba betelelang bana ba na le mathata. “Batho bao ba a lwala, setshaba ga se lemoge ga mmogo le bone ga ba itemoge.” O ne a tlatsa ka go re petelelo e kgona go diragalela batho ba batona ba ba aparang sentle e bile e le bagolo. Mo godimo ga moo, Rre Silele o ne a re kwa matshitshing a mawatle batho ba apara kapari e e supang mebele ya bone mme dikgang tsa petelelo ga di yo koo. “Ga ke dumele gore ke ka fa go aparwang ka teng, batho ba ba na le mathata mo ditlhaloganyong tsa bone,” Rre Siele a tlhalosa crime_law_and_justice 1 Thupa e ritibatsa botlhokatsebe Mothusa kgosi kwa Lobatse, Mme Tshegofatso Setumo o akgoletse banana bangwe kwa Peleng go bo ba tokafaditse boitshwaro jwa bone. A re ngogola ba amogetse dikgang tsa melato e e farologanyeng e le makgolo mabedi le lesome, mo go yone e le masome a mararo le boraro e le ya go utswa mo mabentleleng. A re botlhokatsebe bo akaretsa bogodu jwa dithoto bo fokotsegile fela thata mo toropong; selo se a dumelang se kgonagetse ka ntata ya thupa. Ka jalo, Mme Setumo o boletse fa bangwe ba banana ba go nna jalo ba sa tlhole ba dira melato. O tlhalositse fa kwa lekgotleng la gagwe basimane ba belegisiwa dithupa tse di sa feteng borataro fa basetsana ba lefisiwa madi fa ba bonwa molato wa bogodu. Mme Setumo a re se, se tsisitse phetogo e tona mo maitsholong a banana mo jaanong bangwe ba simolotseng go tsenya matsogo mo mananeong a puso go itshetsa. Le fa go ntse jalo, Mme Setumo o tshwenyegile ka batsadi bangwe ba a reng ga ba supe boikarabelo ka go bua le bana go ba tsenya mo tseleng. O kopile batsadi ba go nna jalo go tsisa dikgang tsa botlhokatsebe kwa lekgotleng kwa di tlaa alafiwang teng. O ne a kopa banana go tlogela mekgwa e e maswe mme ba inaakanye le mekgatlho le mananeo a a ka ba rutang ka tsa botshelo. BOPA crime_law_and_justice 1 Geniet Met Ons ga e na molekane Go ne go sha logong go sala molora jaaka ditlhopha di le masome a mabedi le boferabobedi go tswa kwa dikgaolong tse di farologaneng tsa mmino wa Polka di ne di iteisana borathana go ipatlela phatlha go ya kwa dikgaisanong tsa makgaolakgang mo malatsing a ga Tautona kwa toropong kgolo Gaborone tse di tlaa tshwarwang kgwedi e e tlang ya Phukwi. Ditlhopha di le masome a mabedi le boferabobedi go tswa mo dikgaolong tse di farologaneng mo lefatsheng leno di akaretsa Ngamiland, Borwa, Kweneng, Ghanzi, Bokone Botlhaba, Borwa Botlha, Kgalagadi, Legare le tse dingwe tsa mmino wa Polka di ne di thulanye ka Matlhatso beke e e fetileng mo Tsabong. Setlhopha sa Geniet Met Ons go tswa kwa Gakhibana se ne sa supegetsa ditlhopha tse dingwe gore mmino oo wa Polka ke wa Kgalagadi ka go feta ka tse di tsididi go ikgapela maemo a ntlha ka masome a robabobedi le bone mo lekgolong. Ba ne ba longwa serota ke setlhopha sa Remmogo go tswa Ghanzi ka masome a robabobedi, mo lekgolong, maemo a boraro a ne a gapiwa ke ba Kalahari Dancers ka masome a supa le borobabongwe mo lekgolong go tswa Struizendam mme setlhopha sa Gareng ga dithota sa Khawa sa ikgapela maemo a bone ka masome a supa le borobabobedi mo lekgolong. Mo molaetseng wa gagwe wa kgothatso, mothusa mokwaledi mo lephateng la kgaso le dikitsiso Rre Mogomotsi Kaboeamodimo o kaile fa mmino wa Polka o o simologileng mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa o kopantse merafe ee farologaneng mo lefatsheng leno ka go o kgatlhegela go o ithuta go o bina. Rre Kaboeamodimo o buile se ka Matlhatso mo letsatsing la dikgaisano tsa mmino oo tsa go ipatlela phatlha go ya dikgaisanong tsa bofelo kgwedi e e tlang ya Phukwi kwa Gaborone. Rre Kaboeamodimo yo e neng e le sebui sa tlotla sa letsatsi leo o boletse fa mmino wa Polka o tsamaelana le molelo wa kgolagano ka go tshwaraganya le go kopanya tshaba ya lefatshe leno gore e bopagane. A re mmino oo wa Polka ka go melediwa mathe ke Batswana ba bangwe, o nyeleditse bokgakala jwa kgaolo ya Kgalagadi ka batho bangwe ba ne ba akanya gore go kgakala mo ba ka sekeng ba kgona go goroga teng, a kaya fa papisa e ya “o moleele jaaka tsela ya Kgalagadi” gape e ne e rurifatsa seo. Mothusa mokwaledi mo lephateng la kgaso le dikitsiso o ne a kaya fa Batswana ba tshwanelwa ke go rolela hutshe Tautona wa lefatshe leno ka maiteko a go tlotlomatsa ngwao, go e sireletsa, go e tlhabolola, go e tshegetsa le go e diragatsa gore e seka ya nyelela mo merafeng e e farologaneng mo lefatsheng leno. A re mafelo a a okang bajanala a a tshwanang le Camel Park, Khawa Dune Challenge, Polka Festival mo kgaolong ya Kgalagadi borwa a simolodisitswe ke Tautona wa lefatshe Lt Gen. Dr Ian Khama Seretse Khama ka go tseela kwa godimo mmimo wa Polka le go tsholetsa serodumo sa one mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa. O ne a gakolola ditlhopha tsa mmino oo go tla ka maikaelelo a go tla go ithuta le go kopa mmino o e leng wa nnete e seng fela go tla go lwela go fenya, a tlatsa ka go ba kgothatsa go dirisa madi a ba atswiwang ka one ka fa go tshwanetseng ka teng ka go tlhabolola ditlhopha tsa bone ka go di rekela tsa kapari le didirisiwa tse dingwe. Rre Kaboemodimo o ne a gatelela thata ka go rotloetsa ditlhopha go ikwadisa mo lekgotleng la Botswana Music Union (BOMU) ba itshwaragantse le ba diofisi tsa ga molaodi le tsa lephata la banana metshameko le ngwao tse di mo dikgaolong tsa bone ka seo se ka ba solegela molemo ka go oba letsogo fa di letswa mo seromamoweng le thelebeshine ya Botswana. Fa a tswa la gagwe molomaganya ditiro mo lephateng la banana metshameko le ngwao Mme Malebogo Mosala, o ne a bolela fa mmino wa Polka o o tumileng mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa o gola ngwaga le ngwaga. A re ngwaga ono ditlhopha di le masome a mabedi le boferabobedi di ne iteisana borathana, a kaya fa mme o simologile ka ditlhopha di supa fela tsa Kgalagadi Borwa. Mme Mosala o ne a tlhalosa fa ngwaga ono madi a ditlhopha tse nne a di atswiwang ka one tse di tlaa fenyang kwa legatong la bofelo a okeditswe ka P30 000 maemo a ntlha, maemo a bobedi ke P25 000, P22 500 a boraro fa sa bone sone se tlaa neelwa P20 000. Fa a leboga, mokhanselara wa Tsabong bokone, Rre Mmuso Kgannyeng o ne a gakolola ditlhopha tse dingwe tse di tla retelelwang ke go fetela kwa pele go ema nokeng ka go tlotla le go gakolola ditlhopha tse di tlaa fenyang ka seo se ka thusa thata mo go godiseng mmino oo go ya pele. arts_culture_entertainment_and_media 0 Ditlhwatlhwa tsa go gokela metsi le motlakase di oketsegile Ditlhwatlhwa tsa go gokela metsi le motlakase e le lantlha di tlaa oketsega. Se se builwe ke mokhanselara wa Etsha 13/Jao, Rre Dikoro Ngunga fa a ne a buisa phuthego ya kgotla e mo go yone a neng a lekodisa morafe wa kgaolo ya gagwe ka dikgang tse di builweng mo khanseleng e e fetileng le go tsaya megopolo go e isa kwa khanseleng e e tlang. A re ba koparase ya motlakse ba okeditse ditlhwatlhwa morago ga gore ba tseye tshwetso ya gore jaanong ke bone ba tlaa dirang ditiro tsotlhe tsa go gokela motlakase go tswa fela ka go reka didirisiwa tsa motlakase, go tsenya megala le dipone tsa motlakase ga mmogo le go gokela. A re ba BPC ba tlhalositse fa se e le ka mabaka a gore baitseanape bangwe ba ba atleng ba akarediwe mo go tsenyeng megala ya motlakase mo malwapeng e se ba boleng jo bo kalo, mme ka jalo gangwe le gape go bake dikotsi tsa motlakase. Mokhanselara Ngunga o rile tsamaiso e kgologolo e mo go yone baikopedi ba neng ba ithekela didirisiwa tsa go gokela motlakase e boetswe morago, ka jalo se ke sone se bakileng koketsego ya ditlhwatlhwa. O ne gape a lekodisa morafe ka kgokelo ya metsi e le yone e fetogileng. A re ba koporase ya metsi le bone ba tlaa tsaya boikarabelo jwa go reka didirisiwa tsotlhe tse di tlhokegang go gokelela metsi e seng jaaka go ne go dirwa pele. O ne a tlhalosa gore go bo WUC e tsere marapo a go dira ditirelo tsotlhe, go tlaa fefosa go gokelwa ga dipompo mo malwapeng. E rile banni ba botsa ka go gokelelwa metsi kwa ditsheng tse disha mo Etsha 13 e e sa bolong go diegelwa, mokhanselara Ngunga a tlhalosa gore ka nako e go bonweng moitseanape yo o tlaa tlang go tsenya pompo e e dirisang dikarata. A re WUC e tsere tshwetso ya go siela batho metsi mahala, ka jalo tiriso ya dikarata e tlaa fokotsa tiriso botlhatswa ya metsi. Rre Ngunga o ne a kopa morafe go agelela dipompo go itsa go senngwa ke loruo le le gobeyang mo motseng. A re se se ka fokotsa manokonoko a ditshenyegelo tsa metsi. O ne gape a kopa morafe go nna mapodisi a ba bangwe go itepatepanya le seemo sa go utswiwa ga kopore mo go bakang kgaogo ya motlakase mo kgaolong ya bone. BOKHUTLO society 9 Ba Werda ba kopiwa go tlhopha UDC Banni ba Werda kwa kgaolong ya Kgalagadi ba kopilwe mo phuthegong ya phatlhalatsa e e neng e buisiwa ke ntlhopheng wa bopamalente wa UDC, Rre John Toto go nna seopo sengwe mo ditlhopong tsa setshaba tse di tla tshwarwang kgwedi eno eya fifing mme ba tlhope baemedi ba phathi ya Umbrella for Democratic Change. Mafoko a, a builwe ke dibui ka go farologana mo ipapatsong ya phathi eo e moono wa yone e neng ele go bapatsa ntlhopheng wa bokhanselara, Rre Hendry Louw. Fa ema batsena phuthego eo ka lefoko, Rre Toto o tlhalositse fa phathi ya UDC e kgathala ka Batswana ka e batla go bona ba dule mo lehumeng ka jalo ba tshwanetse go netefatsa gore ba e neela sebaka sa go busa. A re ba tshwanetse go tlhopha Rre Louw ka jaana ele ngwana wa bone yoo goletseng mo motseng wa Werda mme seo se raya gore o itse mathata a bone. Rre Hendry Louw ene o tlhalositse fa a bone a patelesega go emela ditlhopo ka gore mokhanselara wa nako eno yo o ka fa tlase ga phathi e busang ya Domkrag o paletswe ke go buelela kgaolo. O tsweletse ka go tlhalosa fa a tshwanetse go tlhophiwa ka gore otswa kgakala a direla motse oo, a tlatsa ka gore puso ya nako eno ga e kgathale ka bone mme ka jalo ba tshwanetse go e tlhopholola. O boletse fa phathi ya UDC e kgathala ka batlhophi mme e tlaa netefatsa gore e baya dikeletso tsa bone kwa pele. A re faba tsaya puso ba ya go oketsa madi a bagodi le gone go tlhama ditiro tota. O tlhalositse gore ka fa tlase ga puso ya bone, batlhophi ba tsile go nna le sebaka sa go ikgethela mananeo a ba a batlang. Rre Louw a re ba tsile go netefatsa gore ba tokafatsa seemo sa thuto gore ere fa dialogane di fetsa di kgone go bona ditiro ka bonako. BOKHUTLO politics 7 Mogodi o ipelela matsalo E re ntswa go bolelwa fa dingwaga tsa go tshela di ile kwa tlase mo lefatsheng leno, go sa ntse go na le bangwe ba ba fitlhelelang dingwaga tse dintsi tsa botshelo. Mongwe wa bone ke lebutswapele la motse wa Lerala, Rre Baingotli Makono. Fa o bona Rre Makono o ka tsaya fela gore dingwaga tsa gagwe ga di kalo ntswa a tshedile dilemo di le mmalwa ka o sa ntse a itekanetse. Mo potsolosong kwa moletlong wa go ipelela matsalo a gagwe bosheng, Rre Makono yo o nang le dingwaga di le lekgolo o boletse fa a tshotswe ka kgwedi ya Hirikgong e tlhola gangwe ka ngwaga wa 1914. A re ke ngwana wa ntlha wa ga Mme Mmampa le Rre Makono mme o ne a tshotswe le bokgaitsadie ba ferabongwe mme ba setse fela ba le barataro ka ba le bararo ba iketse badimong. Rre Makono, yo o boletseng fa ene le mohumagadi wa gagwe yo o saleng a tlhokafala ka ngwaga wa 1964, ba ne ba segofaditswe ka bana ba ferabongwe mme go setse ba le bararo fela. A re o na le dikokomane di ferabobedi. O boletse fa ka nako ya fa a ntse a tlhalefa motse wa Lerala o ne o le fa gare ga dithaba tse di bapileng le one mme fa nako e tsamaya motse wa fudugela fa o leng teng mo bogompienong. A re ditlhabololo tse di mo Lerala di tshwana le dikole, kokelwana le sekole sa ithutelo tiro ya diatla di agetswe mo matlhong a gagwe. O kaile fa mo go goleng ga gagwe a ise a ko a tsene sekole mme a ne a ithuta go kwala a ile ntweng, a bolela fa e ne e le mongwe wa masole a a neng a ya ntweng ya bobedi ya lefatshe. Rre Makono a re ke modumedi yo mogolo wa kereke ya Revelation Blessed mme tumelo ya gagwe e nnile le seabe se segolo mo botsogong jwa gagwe. A re ntlha e nngwe e e botlhokwa ke gore ga a ise a ko a lekeletse motsoko mme o kile a nwa nnotagi morago a kgaogana le yone. O boletse fa bojalwa le motsoko di koafatsa mmele, a supa fa a na le tumelo e e tletseng ya gore go tlogela bojalwa le go sa gogeng motsoko ke tsone tse di mo thusitseng gore a fitlhe dingwaga tse a leng mo go tsone. Rre Makono o tlhalositse fa a utlwalela malwetsi a a tshwenyang bagodi jaaka sukiri le madi a matona mme a seyo mo go ene. A re pono ya gagwe ke yone e nyelelang ka bonya ka bonya mme a dumela fa seo se dirwa ke go gola. Rre Makono o boletse fa go mo itumedisa thata go bona bana ba gagwe ba mo diretse moletlo wa matsalo ka go bonala fa ba kgathala ka ene. Rre Kirby Baingotli, yo e leng ngwana wa ga Rre Makono o boletse fa batho ba ba tshelang dingwaga tse di tshedilweng ke rre rraagwe ba balwa mme ba ne ba dira moletlo oo go supa lerato mo go ene le go leboga Modimo go bo a mo babaletse dingwaga tse di kalo. Mongwe wa dibui kwa moletlong oo, Rre Kaisara Modikwa, o boletse fa Rre Makono e le motho yo o ratang batho mme ebile a tshedile thata ka temo-thuo. A re o ithutile go le gontsi mo go Rre Makono ka jalo go a tshwanela go ipelela dingwaga tsa gagwe. A re ke ka thata ya Modimo go bo Rre Makono a fitlheletse dingwaga tse di lekgolo tse bontsi jwa batho ba sa fitlheng mo go tsone. Bokhutlo society 9 Go kabakanya kgwebo go busetsa Mogaetsho Monni wa Dimajwe kwa kgaolong ya Legare, Rre Japelo Mogaetsho, o ikiteile sehuba gore ga a kitla a nna ka diatla tsa gagwe. Mo nakong e, o gweba ka dilo tse di farologaneng jaaka ditena, semausu le go rekisa diaparo. A re o simolotse dikgwebo tse a sena go tlogela tiro ya go aga, mme ka a ne a nna kwa Serowe, a fudugela kwa Dimajwe go dupa dupa gore o ka simolola kgwebo efe. A re o ne a kgona go reka setsha kwa Dimajwe. Rre Mogaetsho, wa dingwaga tse di masome a mane le borataro, a re dikgwebo tsa gagwe di mo direla bontle ka a di kabakantse. O boletse fa a ne a lemoga fa kgwebo, bogolo jang ya ditena, e seyo kwa Dimajwe, mme a lemoga fa a tla a nna le bareki bogolo jang ba meraka le masimo ka gangwe le gape ba aga matlo. A re kgwebo e nngwe e a neng a e akanya ke ya semausu, a supa fa a ne a tsaya tshwetso ya gore a rekise dijo tse di farologaneng, tse a itseng gore banni ba ka di tlhoka, mme a ba kgaolele mosepele wa go ya kwa Serowe. A re e ne ya re a ntse a tsweletse, a tlatsa ka kgwebo ya go rekisa diaparo. A re kgwebo ya diaparo le yone e mo direla go le gontle ka a rekisa diaparo le ditlhako tsa bagolo le bana. A re diaparo tseo o di reka kwa Francistown, mme ba ba di rekang ba a di itumelela. Rre Mogaetsho a re le ntswa a sa ngongorege ka fa dikgwebo tsa gagwe di dirang ka teng, o na le dikgwetlho. A re seemo se se kileng sa nna teng sa kiletso mesepele, se ne sa ama dikgwebo tsa gagwe mme ka a ikiteile sehuba a seka a itlhoboga. A re kgwebo ya semausu e ne ya mo thusa fela thata ka e ne e dira le fa tse dingwe di ne di sa dire, mme a lemoga botlhokwa jwa gore a bo a gweba ka tse di farologaneng. Rre Mogaetsho a re Dimajwe ke motse o monnye fela thata, ebile o beile thata mo ba bereking ba Ipelegeng, ba ba rekang thata mo go ene. A re o tla a tswelela a itepatepantse le seemo sengwe le sengwe se se tla a tlang gore a kgone go itshetsa ka dikgwebo tsa gagwe tse a supang fa a na le lerato mo go tsone. economy_business_and_finance 3 James o itshetsa ka matlalo Mme Maria James ke mongwe wa Batswana ba ba dumelang gore mokodue go tsosiwa o o itekang. Se se supilwe ke tshwetso e a ileng a e tsaya fa a lebanwe ke lehuma. Mme James o tlhalositse fa a tsene sekole go ema ka mophato wa bobedi. A re o ne a nna fela go sena sepe se a se dirang sa itshetso. O simolotse tiro ya go roka matlalo ka ngwaga wa 2000 a sena go ikwadisa le mopalamente wa kgaolo ya gagwe gore o kopa thuso. O tlhalositse gape gore mo ngwageng one oo, ka thuso ya mopalamente, o ne a kgona go isiwa sekoleng sa go ithutela tiriso ya matlalo kwa Rural Industries Innovation Centre (RIIC). Mme James o tlhalositse fa e rile a tswa kwa sekoleng, a simolola go bereka a roka ka matsogo ka a ne a sena metshine. A re o ne a seka a ipona tsapa mme a dira tiro ya gagwe ka manontlhotlho le boineelo. O ne a tlatsa ka gore go rata tiro ya gagwe ke gone mo go mo kgontshitseng go tswelela pele. Ka thuso ya ba lephata la bong, Mme James a re ne a fiwa motshine o o rokang gammogo le didirisiwa tse dingwe jaaka ditafole ka ngwaga wa 2012. A re se, se ne sa dira gore tiro ya gagwe e tswelele sentle e bo e tlhofofale. Nngwe ya dilo tse Mme James a di dirang o tlhalositse fa e le kapari ya Setswana, dibeke le ditlhako. A re gape o baakanya ditilo tsa dikoloi le tsa mo ntlong ka go di apesa matlalo. O ne a tlatsa gape ka gore o kgona go baakanya le sepe fela se se dirilweng ka letlalo. Mme James a re kgwebo e ya go roka ka matlalo e mo thusitse fela thata mo botshelong jwa gagwe. A re ka kgwebo e, o kgonne go tsenya bana ba gagwe dikole, e bile o nnile le ditsha tse pedi ka yone. Mme James a re batho ba supa kgatlhego mo tirong ya gagwe mme e bile ba supa seo ka go reka dilwana tse a di dirileng. O boile gape a re dilwana tsa gagwe di a tle di tsenelele dikgaisano jaaka ko ditshupong tsa Serowe le ko Gaborone mme di dire sentle fela thata. Mme James o ne a leboga puso ka dithuso tse e ba di fang e le Batswana. A re o solofela fa kgwebo ya gagwe e tlaa tswelela ka go gola. A re o solofela se ka o simolotse a roka ka letsogo mme jaanong o na le mochine o a o dirisang. O ne a tlatsa ka gore keletso ya gagwe ke go bona a thapile ba bangwe mo kgwebong ya gagwe gore le bone ba kgone go itshetsa. A re o ikaelela gape go amogana dikitso le ba ba ka dirang nae. Le fa go ntse jalo Mme James a re kgwebo ya gagwe e lebanwe ke dikgwetlho. A re dikgwetlho tse di akaretsa go tlhoka kwa a ka rekisang dilwana tse a di dirileng teng. A re kgwetlho e nngwe ke gore o reka matlalo boturu mme seo se dire gore a tsholetse tlhwatlhwa ya dilwana tse a di dirang. O boletse fa bareki ba ngogorega thata fa ditlhwatlha di le kwa godimo. economy_business_and_finance 3 Bagolo ba kuketsa boitaolo jwa bana E re le ntswa banana ba amega mo borukutlhing jo bo diragalang mo kgotleng ya Sefoke, bagolo ke bone ba bakang se, ka gore ke bone ba ba rekisetsang majalwa, ke bone beng ba madirelo a dibara gape ke bone ba rekisetsang majalwa mo malwapeng. Mafoko a, a boletswe ke mogolwane wa mapodise a Tlokweng, Superintendent Lebalang Maniki, fa a ntsha tekodiso ka seemo sa borukutlhi kwa kgotleng ya Sefoke ka Matlhatso. Superintendent Maniki o boletse fa bagolo e le bone ba rekisetsang banana ditagi, mme kwa morago banana e nne bone ba ba bolaanang fa ba sena go nwa le go goga ditagi. Le fa go ntse jalo, superintendent Maniki o boletse fa a tshwenngwa ke bakgweetsi ba ba kgweeetsang ka lebelo le le feteletseng mo tseleng ya Tlokweng/Zeerust, le batho ba ba kgweetsang ba nole bojalwa. O kopile bakgweetsi go elatlhoko bagolo le bana ba ba emang fa thoko ga tsela, mme a ba kopa go fokotsa lebelo fa ba bona batho ba, ka ba ka tsena mo tseleng ba sena kelelelo. O boletse fa ba tshwenngwa ke melato ya bomme ba ba betswang tsatsi le letsatsi, mme o supile fa melato e mengwe e fokotsegile mo ngwageng e e fetileng. Superintendent Maniki o boletse fa ba na le molato o le mongwe, wa motho yo a bolailweng mo kgotleng ya Sefoke. O boletse fa melato ya go thujwa ga matlo bosigo le motshegare, dikotsi tse di gapang matshelo a batho, go thujwa ga madirelo le diofisi di fokotsegile. Superintendent o ikuetse mo baaging ba kgotla ya Sefoke go tsena diphuthego tsa kgotla tse ba di bitsang, a supa fa se, e le nngwe tsela ya go fokotsa borukutlhi mo kgotleng eo. Bokhutlo crime_law_and_justice 1 Bagologolo ba agile motheo wa popota Dikgosi tsa metse ya Gojwane, Serule le Damochojenaa di kopile banana go sala morago motheo o o tlhamilweng ke bagologolo ka ke one o o dirileng gore lefatshe la Botswana le bo le ipelafatsa ka setho le thokgamo e e renang mono. Dikgosi di ne di bua se fa di ne di amogela molelo wa kgolagano kwa metseng ya tsone bosheng. Kgosi Oletile Modisa wa Serule o ne a tlhalosa fa bagologolo ba ne ba dira ka diatla ba ithaopa kwa ntle ga dituelo dipe. Kgosi Modisa a re ba ne ba sa tsena dikole mme ba kgonne go tlhabolola lefatshe. Kgosi Oletile a re mo nakong ya gompieno go ka seka ga nna bokete go gatela pele ka lefatshe le setse le ntshitse barutegi ba ba ka dirang go feta batsadi ba bogologolo. Kgosi Oagile Ketlhaetse wa Gojwane o tlhalositse fa go simolola nako e lefatshe la Botswana le tsereng boipuso go fitlha mo nakong ya gompieno ga go ise go nne le tshololo ya madi. A re se se thomamisiwa ke molelo wa kgolagano o o supang popagano le kagiso go ralala lefatshe go sa kgathalesege gore ba kgakala go le kae le ditlamelo. Kgosi Ketlhaetse a re banana ba tshwanetse go tsaya malebela mo batsading ba bone ka go tswelela ba supa lerato le Batswana ba itsegeng ka lone. Kwa motseng wa Damochojenaa Kgosi Motsholetsi Kebalepile a re banana ba tshwanetse go ithuta ditso tsa metse ya bone mo bagolong ba bone ba ise ba tlhokafale. Kgosi Kebalepile a re ba tshwanetse go tlotla dikgosi tsa bone ka ke bone ba ba dirileng gore lefatshe la Botswana le bo le le fa le leng teng, a re botlhoka tsebe ga bo na maduo ape a mantle. Mongwe wa banana go tswa kwa motseng wa Gojwane, Rre Moses Modise a re e le banana ba metse eo, ba itlamile go tswelela ba dira ka natla go lwantsha botlhoka tsebe jo bo dirwang ke banana bangwe. Rre Modise a re ba itlamile go bopa bana ba ba sa ntseng ba le kwa tlase ka dingwaga ba itsheegile ka matshego a tebelopele e e rulaganngwang ya 2036. O tlhalositse fa ba itlamile go itlhamela ditiro le go thusa ba ba senang ditiro. Rre Modise a re tsholofelo ya bone ke gore ka ngwaga wa 2036 go bo go sena monana yo o lalang ka tlala mme ba ka kgona se ka go bereka mmogo. arts_culture_entertainment_and_media 0 Mananeo a tshegeditse Mokobeng Batswana bangwe ba ikaegile ka lenaneo la Ipelegeng go itshetsa le go tlhabolola dikgaolo tsa bone. E rile a bua mo potsolotsong bosheng,modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Mokobeng kwa Tswapong, Mme Dorothy Podisoa re itsholelo ya Mokobeng e a phophoma ka ntlha ya Ipelegeng le lenaneo la nyeletso lehuma. A re ba dirisaIpelegenggo tlhabolola motse jaaka go aga matlo a komiti ya ditlhabololo tsa motse a ba a hirisetsang badirelapuso. A re le ntswa lenaneo le e se la sennelaruri, le thusa banni ka lemmenyana gape le thusa go phepafatsa motse ga mmogo le go ntshafatsa dikago tsa puso O ne a tlhalosa fa go na le batho ba le babedi ba ba apeelang babereki ba Ipelegeng, a supa fa ba reka dijo tsa teng mo mabetleleng le dimausu tsa motse, ka jalo se se dira gore madi a amoganwe fela mo motseng. Le fa go ntse jalo Mme Podiso a re o tshwenngwa ke dipalo tse dintsi tsa banana ba ba berekang Ipelegeng, a re o ipotsa gore ke eng ba sa kope mananeo a mangwe a nyeletso lehuma kana lenaneo la banana la go itshimololela kgwebo ba tlogelela bagolo Ipelegeng. Tsamaiso ya Ipelegeng ya motse wa bone ke gore batlhoki ba berekele ruri ka se se ka ba fokoletsa manokonoko a lehuma. Mme Podiso a re ba na le batlhoki ba le bararo ba ba berekelang ruri e bile ba dumalane le batlhoki bao gore kgwedi le kgwedi go tsewe makgolo a mabedi a dipula mo dituelong tsa bone gore ba rekelwe semente gore le bone ba tle ba nne le matlo a a botoka. O ne a lebogela lenaneo la Tirelo Setshaba a re le lone le na le seabe mo itsholelong ya motse. Le thapile banana ba le masome mabedi mme ba direla kwa kokelwaneng, kgotla, ofisi ya molemisi le dikole tsa Mokobeng ka bobedi. society 9 Seemo sa thobo ga se nametse Moanamisa mafoko kwa lephateng la temo thuo kwa kgaolong ya legare, Rre Clifas Kemiso, a re monongwaga thobo e tlaa nna kwa tlase ka balemi ba lebanywe ke dikgwetlho di le mmalwa. Mo potsolosong bosheng, Rre Kemiso a re temo kwa kgaolong eo, ga e a tsamaya jaaka go ne go solofetswe ka ntata ya pula e neleng morago ga nako. A re le ntswa bangwe ba ne ba tshwara bokgola, morago go ne ga tla sefako se se neng sa senya dijwalo. Rre Kemiso a re palo ya balemi ngwaga ono, e oketsegile fela thata fa ba tshwantshanya le ya ngwaga o o fetileng, sebe sa phiri ya nna dikgoreletsi tse le tsone di leng di ntsi. A re monongwaga, balemi ba le 5 022 ba lemile diekere tse 15 797,81 fa mo ngwageng o o fetileng balemi ba le 1 837 ba ne ba lemile 6345,41. Moanamisa mafoko o ne a a tlhalosa fa temo ya gompieno e okeditswe ke gore lephata le ne le abela balemi dipeo go sa tshwane le ngogola fa ba ne ba fiwa dikhupone go phaka dipeo kwa mafelong mangwe a a neng a kgethilwe. O supile fa monongwaga, lephata le ne la tshwanelwa ke go oketsa nako ya temo ka beke go fa balemi sebaka sa go lema. “Temo ya rona e nna e tswalelwa ka di 15 tsa ga Tlhakole, mme gompieno re feletse re e tswala ka di 22, go fa balemi sebaka sa go lema,” ga bua Rre Kemiso. A re dikgaolo tsa Tutume, Mahalapye, Palapye, Tonota le Machaneng, e nnile tsone tsa ntlha go lema, mme ebile e le tsone tse temo ya tsone e neng e nametsa, fa dingwe tsa dikgaolo tseo di ne tsa tlhaselwa ke pula ya sefako e e bakileng tshenyo fela e e kwa godimo. Kgaolo ya Palapye e nnile yone e amegileng thata ka dihekere tse 222,75, fa ya Machaneng go amegile 75, Mahalapye di le lesome. O supile fa tirafalo eo, e ne ya tlogela dijwalo mo seemong se se kwa tlase. Rre Kemiso a supa fa ntlha e nngwe e nnile bothata jwa ditlou tse di sentseng masimo kwa dikgaolong tsa Gweta, Nkange, Maitenge, Phikwe le Boteti. A re ditlou tseo di tlogetse balemi ba iphothere fela ka di bakile tshenyo e e kwa godimo. Moanamisa mafoko o ne a re mo bogompienong, go ka bo go setse go jewa letlhafula, mme a supa go ise go nne jalo ka dijwalo di santse di gola lebaka e le bokgola jo bo kwa tlase le letsatsi le le kwa godimo. Rre Kemiso a re ntswa dijwalo tse di le mo seemong se se tlhobaetsang se, fa pula e ka na, dingwe tsa tsone di ka tsoga mme tsa phimola balemi dikeledi. Kwa ntle ga letlhoko la pula, Rre Kemiso o supile fa seboko se se bitswang ‘fall army worm’ le sone se tshwenya balemi thata mo kgaolong ya legare. O ne a kgothatsa balemi gore fa ba itse metlhale mengwe ya go thibela diji mo dijwalong tsa bone, ba e dirise, a ba a konotelela ka go gakolola balemi, go dira dijo tsa leruo ka dijwalo tse di sa golang sentle kana tse di suleng. Mo potsolotsong, mongwe wa balemi ba masimo a Shashane, Rre Mosweu Ntwayagae o supile fa pula e tsere lebaka go na kwa masimong a bone, mme se sa baka gore ba leme morago. O tlhalositse fa morago ga temo, pula e ne ya tsaya nako gape go kolobetsa bolema, a re bontsi jwa dijwalo tsa gagwe di santse di ise di gole, tse dingwe di korobetse, fa mmidi le ntshe tsone di sa ntse di feletse mo mmung. “Re beile tshepho fela mo go Ramasedi gore pula e ne dijwalo tsa rona di tsoge,” ga tswalela Rre Ntwayagae. society 9 Ngaka o tlhalosa kgobalo ya monyetsane Kgobalo ya monyetsane e tlwaelesegile thata fa motho a amegile mo kotsing e tshwana le ya koloi kgotsa kotsi epe fela e e masisi. Se se boletswe ke ngaka ya kokelo e e ikemetseng ya Riverside Private Hospital kwa Francistown, Dr Ishmael Mudari mo potsolotsong le Dr Mudari o tlhalositse fa monyetsane e le karolo e e laolang go tsamaya ga melaetsa fa gare ga mmele le boboko mme ebile ditshikanyana tse di tsamaisang melaetsa go tswa kwa bobokong go ya kwa mmeleng le go boa di tshwaragane le monyetsane. A boletse fa go na le mefuta e le mebedi ya kgobalo ya monyetsane, e leng kgobalo ya molala e e diragalang fa monyetsane o amegile ka fa morago ga molala, mme yo o amegileng a nne le bothata jwa go hema, go ijesa, go ithoma, go tsamaisa maoto le tse dingwe. Dr Mudari a re mofuta wa bobedi ke kgobalo mo magetleng, selo se a reng se ama go dira ga mafatlha le maoto, go palelwa ke go laola motlhapo le go ithoma. A re kgobalo ya monyetsane e ka baka bogole jwa sennela ruri mme se se ame botshelo jwa yo o gobetseng ka a ka palelwa ke go itirela ditiro tsa letsatsi le letsatsi jaaka go tsamaya, go ijesa, go itlhapisa le tse dingwe. A re godimo ga moo, kgobalo ya monyetsane e ka baka ditlamorago di tshwana le dintho tse di dirwang ke go babalelwa ke go nna kana go robalela ruri ka motho a sa kgone go iphetsola, ga mmogo le malwetse a mafatlha le a setlha mme se, se bake loso. Dr Mudari o tlhalositse fa dikotsi tsa tsela e le tsone tshoso e rweleng mo go bakeng dikgobalo tsa monyetsane. A re dilo tse dingwe tse di bakang kgobalo ya monyetsane ke go wa mo dilong tse di kwa godimo jaaka dipale, ditlhare, metshameko, go tlhajwa ka dilo tse di bogale le malwetse a a tshwanang le kgotlholo e tona le kankere a a amang monyetsane. O kaile fa kgobalo ya monyetsane e ka thibelwa ka go hema dikotsi tsa tsela ka go sala morago melawana yotlhe ya ipabalelo tseleng go balelwa le go dirisa lebante la itshireletso ka dinako tsotlhe, go kgweetsa ka lebelo le le lekanetseng le go pega bana mo setilong sa itshireletso. A re gape go botlhokwa go dirisa mabante a itshireletso nako le nako fa motho a palama dilo tse di kwa godimo. Dr Mudari o kaile fa batho ba ba gobetseng ba tshwanetse go tshwarwa ke baitseanape ba ba rutetsweng tiro eo kana fa go sa kgonegeng teng, ba tshwarwe ka matsetseleko ba bo ba bewe sentle go fitlhelela ba bona thuso ya bongaka. O tlhalositse fa kgobalo ya monyetsane e sena kalafi mme ba ba gobetseng ba ka tlamelwa ke ba bongaka go fokotsa manokonoko a a lerilweng ke kgobalo jaaka go ba ruta gore ba itlhokomele jang mo seemong se ba leng mo go sone. disaster_accident_and_emergency_incident 2 Go betla go tswa goo Lowe Go betla ke tiro ya diatla e e tswang bogologolo thata e ntse e dirwa. Ntswa tiro e ekare e a nyelela, Batswana bangwe ba santse ba e tshwere e bile ba ipela ka yone. Bangwe ba a betla ba bo ba rekisa fa bangwe ba betla fela go dirisa tse ba di betlileng mo malwapeng. Go betla ga go motlhofo jaaka motho a ka akanya mme go tlhokana le go nna kelotlhoko le go nna motho a itlhokotsa kgapetsakgapetsa gore a kgone go betla tse di elediwang ke batho. Rre Keledi Ntwaagae wa Mmashoro yo o dingwaga di 64 ke mongwe wa Batswana ba ba tswang kgakala ba itsege ka go betla e bile ba itshetsa ka gone. Fa o tsena mo Mmashoro ga gona monni yo o sa mo itseng ka tse a di betlang di tshwana le dikika, metshe, dintshwana, diphetlho le mehinyana. Rre Ntwaagae a re tiro e ya go betla o e ithutile mo go ntsalae ka a ne a nna le ene a santse a le monana. A re gore motho a kgone go betla ga a tlhokane le didirisiwa tse dintsi mme o tlhokana le petlwana le setlhare se se omeletseng se tshwana le sa mokoba, morula le motswere mme o tshwanetse a itse gore setlhare sefe se dira eng. O ne a tlhalosa fa go betla go dirwa mariga ditlhare di omeletse. A re morula go dirisiwa o o sa ungweng mme o dirisiwa go betla dikika. A re o kgona gape go dirisa motswere go betla dikika. Rre Ntwaagae o ne a tlhalosa fa mokoba o o metsi o kgona go betla metshe. A re tiro ya go betla ga e dirwe ke mongwe le mongwe ka motho yo o betlang a tshwanetse a betle se se elediwang ke batho e bile se lebega. A re dikika le metshe ke dingwe tsa tse a di rekisang thata ka banni ba Mmashoro ba rata go setla mabele. Ntswa Rre Ntwaagae a rata go betla, o ne a ngongorega ka go re tiro ya go betla ga e na madi a mantsi, a bolela fa motshe e le P50 mme kika e nnye e e kgonang go setlela digwapa e le P100. A re kika e tona o e rekisa ka diphoisane tsa mabele di le pedi. O ne a supa fa a rekelwa thata ke banni ba motse wa gagwe le maphata a puso. A re ba ba rekang mo go ene ba kgona go mmolelela gore ba batla eng mme a bo a se dira. Rre Ntwaagae o ne a supa matshwenyego ka ditlhare dingwe di tshwana le sa mokoba se a bolelang fa a sa se bone thata ka se rengwa thata e bile bangwe ba ba agelelang dipolase ba se dirisa thata. A re bangwe ba ne ba fiwa dipolase fa setlhare seo se leng sentsi teng mme ba felela ba se ageletse mo dipolaseng tsa bone jaanong ga go motlhofo go se bona. society 9 Bagolo kwa Bobonong ba leboga modiri wa poso Rre Kefilwe Mphotho o kailwe fa e le modirelapuso wa tlhwatlhwa e bile a dira tiro ya gagwe ka botswapelo. Fa a bua kwa moletlong wa tsamaya sentle o o neng o rulagantswe ke bagolo ba kgaolo ya Bobonong bophirima le maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Bobonong ka Labotlhano, mongwe wa bagolo, Mme Babonyi Dipholo o tlhalositse fa ba bone go le maleba go kokoanya madi go rekela Rre Mphotho yo e leng mogolwane wa poso mo Bobonong dimpho. Mme Dipholo a re ba ne ba koleka dipula tse di lesome mongwe le mongwe wa bone. A re ba kgonne go reka sethuthafatsa dijo (microwave), sejana se se bidisang metsi (kettle) le dipitsa. Mme Dipholo yo gape e leng leloko la komiti ya ditlhabololo tsa Bobonong bophirima, a re Rre Mphotho o tshwanetswe ke go lebogiwa ka a ne a dirisana sentle le bone fa ba ile go amogela madi a bogodi. O tsweletse a tlhalosa fa Rre Mphotho a ne a ba neela lerato ka dinako tsotlhe. A re Rre Mphotho o pelo telele gape o botho. Fa a latlhela la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Bobonong bophirima, Rre Boitumelo Kgosietsile, o tlhalositse fa Rre Mphotho e le motho yo o botlhokwa e bile a dira tiro ya gagwe ka botswerere. A re fa motho a dirile sentle o tshwanetswe ke go direlwa sengwe fa a fuduga. Rre Boitumelo o supile fa dimpho tse ba di neetseng Rre Mphotho di tlaa mo godisa le go nna segopotso mo go ene. O tsweletse a supa fa dimpho tseo di tlaa mo dira gore a ye go tshwara ka thata kwa a yang go direla teng. Fa tswa la gagwe, Rre Mphotho o tlhalositse fa batho ba Bobonong ba na le lerato le botho. O tsweletse a supa fa a ka se ke a lebale banni ba motse wa Bobonong le kwa a yang go direla teng. Rre Mphotho o supile fa a simolotse go direla mo Bobonong ka ngwaga wa 2013. politics 7 Boile o rotloetsa banana go tsaya tiro ya diatla ka tlhoafalo Banana ba rotloeditswe go tsaya tiro ya diatla ka tlhoafalo, bogolo jang mo nakong ya gompieno e seemo sa letlhoko la ditiro se ileng magoletsa. Mme Juliana Boile wa kgotla ya Borakalalo kwa Molepolole, o tlhalosa fa se se ka thusa go fokotsa go ntsha banana mo mebileng. Mme Boile, yo o itshetsang ka go loga, o supile fa go ithuta tiro eo go le motlhofo ka jaana go tlhokana fela le go nna leitlho le le bogale go ithuta mo go ba ba itseng. O kaile fa a itshetsa ka go kgabisa dilwana tse di tshwanang le dibeke tsa bomme le mesese le mekgabisa ka go farologana. Tiro e, o simolotse ka 2001 morago ga go ithuta mo go nkukuagwe. O ne a supa fa go na le tswelelopele mo kgwebong ya gagwe, e bile batho ba e kgatlhegela ka e na le boleng jo bo kwa godimo. A re sebe sa phiri ke gore batho ba rata go rekisediwa dilo tsa boleng jo bo kwa godimo ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase. O ne a supa fa e ne ya re ka 2014 a tlhama mokgatlho o o bidiwang Tlang Moriting Support Group mo kgotleng ya Borakalalo, o o akaretsang bomme ba ba tshelang ka mogare wa HIV, ga mmogo le ba masika kana ditsala tsa bone. Mme Boile o supile fa maikaelelo a mokgatlho e le go kokoanya madi ka go rekisa tse ba di itirelang ka diatla gore ba thusane mo go tshetseng ba malwapa a bone. Mme Boile o ne a ntsha selelo sa letlhoko la barotloetsi. A re seo se paledisa dikgwebo tsa bone go itshetlela. O ne a tlatsa ka go re ba tsweletse ka go iteka lesego mo go tsenyeng dikopo mo mananeong a puso. O ne gape a tlhalosa fa nngwe ya dikgwetlho e le letlhoko la dibaga tsa boleng mo Botswana, ka jalo a patelesega go reka dibaga mo mafatsheng a a mabapi jaaka la Zambia. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Tshwaragano ke phenyo Batsadi ba bana ba ba tsenang kwa sekolong se se botlana sa Khudumelapye mo kgaolong ya Kweneng, ba gakolotswe go tshwaragana le barutabana go ntsha maduo a a botoka. Mafoko a, a builwe ke mogokgo wa sekole seo, Mme Nancy Mukuwa kwa phuthegong ya batsadi le barutabana bosheng. Mme Mukuwa o kopile batsadi go kgothatsa bana ba bone go tsaya thuto ya bone tsia, a tlatsa ka gore batsadi le bone ba tshwanetse go tshwenyega fa ba bona ngwana a sa ya sekolong. Mogokgo o kgothaditse batsadi go etela sekolo go bona gore bana ba dira jang, a tlhalosa fa ba butse dikgoro gore fa batsadi ba ngongorega ka sepe fela, ba ba itsise ka gore ba ka kgona fela fa ba tshwaragane mmogo. E rile a latlhela la gagwe mongwe wa batsena phuthego Rre Mafoko Dingaka a ngongorega ka go tlhoka seabe ga batsadi mo thutong ya bana ba bone. Rre Dingaka o gakolotse batsadi go lemoga bokgoni ja bana le go ba rotloetsa go bo tsaya tsia ka go ka ba tshetsa fela jaaka ba bodiragatsi ba itshetsa ka go dirisa bokgoni ja bone ja go diragatsa. BOKHUTLO education 4 Mokwadi o tla a simolodisa buka ya Ba ga Mmanaana Rre Moffat Herry wa dingwaga tse masome mane le bofera bobedi wa Thamaga o tlaa simolodisa buka e a e kwadileng ka ditso tsa Bakgatla ba ga Mmananaana kgwedi e e tlang. Fa a bua mo potsolotsong kwa moletlong wa ngwao bosheng kwa Thamaga, Rre Herry yo e leng mogwebi o tlhalositse gore buka e e bidiwang Rre Herry a re o kwadile buka e a sena go gwetlhiwa ke go lemoga gore ngwao e a nyelela, a tlhalosa fa se se dirwa ke gore ga go sa tlhole go na le maitiso a ka one bagolo ba neng ba tle ba lotlegele banana ka ditso tsa bone ka jalo go nna le kamogano ya ngwao mme a re banana ba nna ko ditoropong le batsadi ba bone ba malatsi a sesha. A re bonyenyane jo bo teng bo buiwa mo ditlotlong ka ditso ga bo a lekana go fetisetsa ditso ko bananeng, ka jalo a re buka e e tlaa solegela Batswana ka kakaretso le Bakgatla ba ga Mmanaana molemo. A re go lemoga fa thuto e tlhaela ka ditso tsa Batswana bogolo thata ka morafe wa Bakgatla ba ga Mmanaana o ikaelela go kwala ditso tse go tla bana ba ba tswang kwa tlase ba di itse, ka jalo a re o ne a simolola letsholo la go epolola ditso tse mo bathong ba ba farologaneng, a okomela le se bakwadi ba bangwe ba se kwadileng ka Batswana mmogo le mekwalo ya ditso mo metlobong. Rre Herry o tlhalositse gore bontlha bongwe jwa buka e bo bua ka merafe ya Botswana, gore ba tlholegile kae, go kgaogana ka mafelo ga merafe, mme ko bofelong a remelela mo ditsong tsa Bakgatla ba ga Mmanaana. A re ntswa Bakgatla ba le ditlhopha tse tlhano, morafe wa Bakgatla ba ga Mmanaana ke one o tsileng pele mo Botswana o tlholega ko lefatsheng la Aferika Borwa, mme ba goroga mo Botswana ka 1853. O tlhalositse gore buka e o setse a simolotse go e bapatsa mme a re e tlaa bo e le teng mo marekisetsong a dibuka, mo metlobong, mme a re le batho ba ka e reka. education 4 Bogodu jwa diphologolo bo a kekela kwa Khawa Bo rre bangwe ba ferabobedi go tswa kwa motseng wa Khawa ba thusa mapodisi ka ditlhotlhomiso morago ga go belaesega mo molatong wa go bolaya diphologolo mo lefelong le le sireleditsweng la diphologolo la KD-15. Mo puisanong le ba BOPA bosheng, Mookamela mapodise a Middlepits Assistant Superintendent Kebadire Mmopi are go lebega melato ya go nna jaana e golela kwa godimo a supa fa mo kgweding e le nngwe ba setse ba gatisitse dikgetsi tse mo go tsone go bolailweng dikukama tse tlhano le dikgokong tse pedi go sena teseletso. A re mo tiragalong ya ntlha, ba ne ba tshwara babelaelwa ba le barataro ba dingwaga tse di lesome le boferabongwe go ya kwa go tse di masome a mane le borataro. A re bo rre bao, ba fitlhetswe ka dinama le matlalo a dikukama tse go belaesegang fa ba ne ba di bolaile gaufi le lefelo le le sireleditsweng la diphologolo. Mo tiragalong ya bobedi, Rre Mmopi o ne a tlhalosa fa kgwedi e e fetileng e le masome a mabedi le borataro ba ne ba tshwara bo rre ba bangwe ba le babedi ba ba fitlhetsweng ba bolaile kukama le kgokong kwa lefelong le le sireleditsweng la diphologolo. Le fa go ntse jalo, Asst Superintendent Mmopi, o tlhalositse fa mo nakong ya gompieno borre bao, ba letetse tsheko kwa ntle fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse. Rre Mmopi o boletse fa babelaelwa bao, fa ba ka bonwa molato ba tla lebisiwa molato wa bogodu jwa diphologolo mme ba ka atlholwa madi a sa feteng P5 000 mongwe le mongwe kana kgolegelo ya dingwaga tse di sa feteng botlhano kana ba lebanwa ke katlholo ka bobedi. A re e ntse e le kwa Khawa, mo kgweding e e fetileng e le masome a mabedi le boferabobedi ba ne ba tshwara banna ba le bane mabapi le go fitlhelwa ka digwapa le nama e e metsi e go belaesegang e le ya kgokong kwa morakeng mongwe gaufi le lefelo le le sireleditsweng la diphologolo. One a tsibosa setshaba go iphapa mo mokgweng wa go bolaya diphologolo go sena teseletso are go tlhabisa dithong ka badira melato ba di latela kwa mafelong a babalesegileng. A re go dira jalo, go na le ditlamorago tse di ka phuthamisang itsholelo ya lefatshe. crime_law_and_justice 1 Baithaopi ba tlhoka thotloetso Mogolwane wa khamphane ya Botswana Railways a re go botlhokwa gore baithaopi ba lenaneo la twantsho borukutlhi ba thatafadiwe ka go okelediwa ditlamelo. Rre Kenneth Tamasiga o buile jalo bosheng kwa moletlong wa go leboga baithaopi ka go ba abela dietsele le ditlankana kwa Mahalapye. A re borukuthi ke kgwetlho e e tshwanetseng go lwantshiwa ke botlhe. O tlhalositse fa Botswana Railways e tshwenngwa ke bogodu jwa dithoto tse di dirilweng ka kopore le go thujwa ga dikago, seemo se a reng se kgoreletsa tiro ya khamphane. A re bogodu jwa megala ya kopore e e tsamaisang motlakase, bo kgoreletsa tiro ya bone ya go laola mesepele ya diterena. Le fa go ntse jalo, Rre Tamasiga o akgoletse baithaopi ba twantsho borukutlhi go tswelela ba dira ka natla go lwantsha borukutlhi. A re go botlhokwa gore ba nonotshiwe gore ba kgone go lepalepana le dirukutlhi tse di dirisang maranyane a re mongwe le mongwe a nne le seabe mo go lwantsheng borukutlhi. Kgosi wa Mahalapye, Rre Duncan Segotsi, a re le fa baithaopi ba dira tiro e e botlhokwa ya go sireletsa matshelo le dithoto tsa setshaba, go utlwisa botlhoko go bona ba nyadiwa ke bangwe. Kgosi Segotsi a re go ithaopa go direla setshaba ke tiro e e botlhokwa, e e tlhokang go galalediwa. A re ofisi ya sepodisi e tsweletse ka go lemoga seabe sa morafe mo go tshwaraganeng le mapodisi go lwantsha borukuthi. Mogolwane wa mapodisi kwa kgaolong ya borwa jwa legare, Rre Christopher Mbulawa a re ba tshwentswe thata ke seemo sa borukutlhi. Rre Mbulawa a re go betelela le go kgokgontsha bomme ke dingwe tse di sa jeseng setshaba diwelang mo kgaolong ya gagwe. A re ka ngwaga, bomme ba le 2 000 ba ne ba amega mo ditiragalong tsa mofuta o. Rre Mbulawa a re mapodisi a tlaa tswelela a dira ka natla go lwantsha methale yotlhe ya borukutlhi. Le fa go sa lekana, a re ditshekatsheko di supa fa Botswana a dira ka natla go lwantsha borukutlhi ka jalo mafatshe a mangwe a tsweletse ka go etela mono go tla go ithuta ka methale e e dirisiwang go lwantsha borukuthi. O gateletse botlhokwa jwa seabe sa morafe mo go lwantsheng borukuthi. Rre Mbulawa a re borukuthi bo ka senya thitibalo e e renang mo lefatsheng, a tlatsa ka gore ba sepodisi ba ka kgona go bo lwantsha ka thuso ya baithaopi. Mokhanselara wa Mahalapye Bokone, Mme Julia Miranda o kopile puso go oketsa tshireletsego ya mapodisi le baithaopi gore ba kgone go sireletsa matshelo a bone mo dirukutlhing tse di borai. Mme Maranda o akgotse baithaopi a bo a ba rotloetsa go tswelela ba dira ka natla. crime_law_and_justice 1 Banana ba Khekhenye ba maoto a tshupa Kgosi Sekelere Kgope wa Khekhenye kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng a re o tshwentswe ke go bona banana bangwe ba goga dinao go ithusa ka mananeoa puso. Fa a bua mo puisanong bosheng, Kgosi Kgope a re lemororo puso e tshwere phage ka mangana go leka go tokafatsa matshelo a bananasegolo jang ba metse e e kgakala le ditlamelo, bangwe kwa motseng wa gagwe basantse ba goga dinao go itlhabolola ka mananeo a. A re go lebega bontsi jwa banana ba na le kakanyo ya gore kgang ya go tlhamaditiro mo lefatsheng ke boikarabelo jwa puso fela, selo se a kayang se dira Kgosi Kgope a re puso e tsweletse ka go tlhama mananeo a le mmalwa a a itebagantsengle banana fela, ka maiteko a gore ba itshimololele dikgwebo tse di ka batlhamelang ditiro, mme go botlhokwa gore le bone ba ipotse gore seabe sa boneke eng mo go tlhabololeng matshelo a bone le metse e ba tswang kwa go yone. O ba gakolotse go dirisa sebaka se go tlhabolola matshelo a bone, e sere gongwemo isagong ba sala ba lelela kgama le mogogoro mananeo a a sena kwa a ka bonwang teng. A re mo malobeng go ne go na le mananeo a tshwana le FinancialAssistance Policykana tlhatlosomadirelo mme mo bogompienong ga a sa tlhole a le teng. O supile fa banana bangwe ba supa fa go tlhaela kitso ka mananeo a a leng teng ele lebaka le le ba paledisang go inaakanya le one, mme a nyatsa seipato seo a kaya fa badirelapuso ba a tsisitse le go etela motse oo kgapetsakgapetsa golemotsha banana ka bomosola jwa go tsaya mananeo a puso. KgosiKgope a re gangwe le gape dikgwebo tsa banana tse di atlegang mo motseng wagagwe ke tse beng ba tsone ba ikiteileng sehuba gore ba batla go tswelela mobotshelong ebile ba simolotse dikgwebo tseo ka maikarabelo le lorato. O kopile ba ba santseng ba iketile go itharabologelwa le go nna majato mo goemeleng matshelo a bone ka dinao ka go dirisa mananeo a a leng teng, ka jaanaba le mo kgaolong e e aparetsweng thata ke lehuma le letlhoko la ditiro. A re fa Batswana ba ka ikemela ka dinao ba tlhagafalela dithuso tse ba diabetsweng ba ka tlhabolola le go tokafatsa matshelo a bone mme ba inoga mo Go ntse go le foo, o ne a supa fa seabe sa batsadi se lebotlhokwa fela thata mo go rotloetseng banana go ikopela mananeo a puso le go atlhagafalela fa ba setse ba a abetswe, mme a kopa batsadi go ema banana nokengdi nako tsotlhe. Mo go tse dingwe, Kgosi Kgope o ne a lela ka tlhaelo e e ko godimo ya boroko jwabodiredi jwa puso, mme a ikuela mo go ba ba maleba go tsibogela seemo se. BOKHUTLO society 9 Ipabalelo tseleng e botlhokwa mo baneng Mogolwane wa thibelo dikgobalo wa Motor Vehicle Accident Fund (MVA) Mme Kwenantle Otukile o kgothaditse bagokgo ba dikole tsa Boteti go simolodisa mekgatlho ya ipabalelo tseleng mo dikoleng. Mme Otukile o dirile kgothatso e kwa thutopuisanong ya go simolodisa mekgatlho ya ipabalelo tseleng ya dikole tsa Boteti kwa Letlhakane ka Labotlhano, a supa fa mekgatlho e ele botlhokwa ka e ruta bana ka ipabalelo tseleng. Mme Otukile a re se ba se dirang ke go itebaganya le motho ka jaana koloi ka nosi e se na motho mo teng e ka seka ya dira kotsi. Are maikaelelo a bone ke go itepatepanya le seemo sa go hema dikotsi tsa tsela, a re dikgwetlho tsa dikotsi le kgobalo di dintsi. Mme Otukile o tlhalositse fa lengwe la mananeo a bone ele go thusa ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela, are ba na le lenaneo la go simolodisa mekgatlho ya ipabalelo tseleng mo dikoleng ka jaana ba lemogile gore bana ba tlhaela kitso ka ipabalelo tseleng, mme e bile e le bone ba angwang thata ke dikotsi seemo se a reng se a tlhobaetsa. Mme Otukile o ne a leboga bagokgo ba Boteti go bo ba batla go simolola mekgatlho e, are se se supa fa ba kgathala ka bana, ebile ele ba tsaya karolo mo ipabalelo tseleng ,o bile are o solofela gore batla ya go diragatsa lenaneo le, le e tla reng morago ba bone mosola wa lone. O ne a ba kgothatsa go tlhopha setlhopha sa ba na le seabe ba ba akaretsang batsadi, barutabana,mapodisi ba lephata la ipabalelo tseleng le bana ba le babedi ele ba ba tsamaisang mekgatlho e. One a ba kopa go inaakanya le komiti ya ipabalelo tseleng ya Boteti go ithuta le go tsaya malebela mo go yone gore batle ba kgone go atlega ,a tlatsa ka gore ba tshwanetse ba dira lenaneo la megopolo ya e baikaelelang go e diragatsa. Mogokgo wa sekole se segolwane sa Motsumi, Rre Mathumo Sechele o supile gore le bone ba tshwentswe ke dikotsi tsa tsela tse di amang bana mo kgaolong ya Boteti , selo se a reng ke sone se ba gwetlhileng go kopa thuso kwa MVA. Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Ramaphatle ke motse Banni ba Ramaphate gaufi le Thamaga ba boleletswe fa lefelo leo jaanong le tlhomamisitswe go nna motse. E rile a lekodisa phuthego ya kgotla bosheng, modulasetilo wa komiti ya boeteledipele jwa kgaolo ya Kweneng, Rre Motlhophi Leo a tlhomamisa fa puso e tsere tshwetso go netefatsa fa Ramaphate jaanong a le mo seemong sa go nna motse. Rre Leo, yo gape eleng modula setilo wa khansele ya Kweneng, o tlhalositse fa Ramaphate e le one motse fela o tlhomamisitsweng go nna motse fa mafelo a mangwe ale lesome le bone a kgaolo eo a tsentswe ka fa tlase ga metse e megolwane e e mabapi go nna dikgotlana tsa yone. Mafelo ao ke Ramankhung, Nhwi, Mmakanke, Gamononyane, Sasakwe, Maratswane, Mmasebele, Motlabaki, Kikeng, Kgesake, Matlagatshe, Mmaothate, Suping, le Mmamhiko Modulasetilo Leo o kopetse puso maitshwarelo ka se go kaegileng e ne ele go tlhoka morero mo lobakeng le le fetileng mo go tlhalositsweng ke Kgosi Letlole Thobega mo mafokong a kamogelo. Kgosi o tlhalositse fa go ne ga felela go thubiwa matlo a batho bangwe ka go ne gotwe ba ne ba ipeile. Mo mafokong a kamogelo kgosi wa motse wa Mmankgodi Rre Letlole Thobega o nyaditse le go kgala thulaganyo ya go diegela go tlhomamisiwa ga motse wa Ramaphate le go ngongoregela se a kaileng ele go tshwarwa ka molema ga batho ba lefelo leo. Kgosi o ngongoregetse go tlhoka morero ka dikgang tse di neng di ama motse wa Ramaphate di akaretsa tshwetsho ya go thubela ba ba neng ba kailwe ele bo maipaafela. A re go gogagoga batho ba lefelo leo go amile thata tlhabololo ya matshelo a bone ka jaana ba ne ba kgaphetswe ntle mo dithulaganyong tsa mananeo a puso ka jaana dipeo tsa bone di sa tlhomamisiwe mme ba fetiwa ke mananeo otlhe a a tlhabololang matshelo a Batswana ka bontsi. Banni ba Ramaphate mo go bone go le Rre Charles Pilediwa ba iteetse legofi tshwetso ya go tlhomamisa lefelo leo go nna motse, ba akgola segolo bogolo kgosi Rre Thobega le mokhanselara wa kgaolo Rre Duke Mafhoko go bo ba nnile le seabe se segolo mo go netefatseng gore Ramaphate o rurifadiwa go nna motse. Rre Pilediwa o supile ba kabo ditsha ka monwana gore ba diretse kgaolo eo phoso ka go tsaya ditshwetso tse di sokameng e bile di tlhaela boammaruri. E re ntswa lekgotla la kabo ditsha go lebega le ya go itshwarela bangwe ba batho ba ba amegileng mo go ipeeng ditsha ka gore jaanong ba tla a tlhomamisediwa dipeo, batho ba tlhagisiwa le go gakololwa go tlogela go tswelela ba ipaya ditsha kwa Ramaphate. E rile a leboga, mokhanselara Rre Mafhoko a akgola tshwetso ya go tlhomamisa Ramaphate le go kopa lekgotla la kabo ditsha go fefogela dipeo ka ele tsone di ka thusang morafe go bona ditlamelo di akaretsa motlakase, kgokelo ya metsi le mananeo a mangwe a a tokafatsang matshelo a Batswana. Bokhutlo society 9 Go lema ka ditselana ke mmammane Balemi ba tshwanetse ba reetsa dikgakololo tsa puso tsa gore ba leme ka ditselana gore ba itirele dijo tse di lekaneng. Go buile jalo mothusa tona wa lephata la temo thuo, Rre Oreeditse Molebatsi mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa metseng ya Tswapong Borwa bosheng. O ne a kopa balemi go tswa mo dikakanyong tsa gore temo ya go gasa ke ngwao ntswa e sa ntshe thobo e e nametsang. Rre Molebatsi, yo e bileng e le mopalamente wa Tswapong Borwa, a re balemi mo mafelong mangwe a lefatshe leno ba gatetse pele ka go lema ka ditselana ka jalo ba ntsha thobo e e nametsang. O boletse fa temo ya ditselana e sa tlhokane le go lema ditema tse dintsi ka molemi a kgona go bona dikgetsi di feta masome a matlhano mo temeng e le nngwe fela. O tsweletse a bolelela banni fa a sa itumelele thobo ya bone mme a ba kopa gore ba lekeletse temo ya ditselana mo ngwageng ono wa temo. A re bontsi jwa dipego tsa komiti ya balemi di supa fa balemi ba ne ba lema ba gasa, a bolela fa balemi bao ba sa roba mo go nametsang ka jalo seo se supa fa go gasa go sa busetse sepe. Rre Molebatsi o kopile boraditerekere go reka didirisiwa tsa temo di akaretsa megoma, diege le dipolantere ka e le tsone tse di tla a ba kgontshang go lemela batho ka ditselana. O boletse fa mo ngwageng ono wa temo puso e tla a bo e sa duelele balemi ba ba tla a lemang ba gasa mme go tla thusiwa fela ba ba tla a lemang ka ditselana. A re puso e sale e kopile balemi go lema ka ditselana mme boraditerekere ba nna ba ikopela go lemela batho ba gasa ka ba ne ba bolela fa ba sena didirisiwa tsa temo, ka jalo mo nakong eno tsholofelo ke gore boraditerekere ba na le didirisiwa tsotlhe tsa temo. Rre Molebatsi o tlhalositse fa puso e dirisa madi a selekanyo sa P40 000 mo moleming a le mongwe mme balemi ba sa nne le dipoelo dipe. O rotloeditse balemi go ikwadisetsa dipeo, menontshane le tshefi e e bolayang mhero pele ga kgwedi ya Seetebosigo e fela, a supa fa seo se tla a thusa puso go reka dipeo nako e santse e le teng. Le fa go ntse jalo, banni ba ne ba bolela fa mo temong e e sa tswang go feta go nnile bokete ka boraditerekere ba ne ba lopa madi mangwe pele ba ka ba lemela ntswa puso e ba duela. Ba ikuetse mo pusong go buisana le boraditerekere go emisa go lopa madi mo go bone. Banni gape ba ne ba bolela fa ba sa gane go lema ka ditselana mme bothata e le letlhoko la diterekere le didirisiwa tsa go lema ka ditselana Fa a tsibogela dikakgelo tsa bone, Rre Molebatsi o boletse fa puso e tla a rulaganya diterekere go tswa mo mafelong mangwe fa go lemogwa fa balemi ba tsenngwa dingalo ke boraditerekere bangwe. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Mapodisi a mo ditlhotlhomisong Mapodisi a Moshupa a tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabobedi wa Bikwe go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le loso lwa monna mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano wa Manyana. Se se tlhalositswe ke mogolwane wa mapodisi a Moshupa Suprintendent Oteng Ngada mo potsolotsong le BOPA bosheng. A re tiragalo eo e diragetse ka Matlhatso, a re bobedi joo bone bo le ko maitisong a nnotagi mo maitseboeng nako e ka nna ya borataro mme ba felela banna le tlhokakutwisisanyo. Supt Ngada o tlhalositse gore mmelaelwa o ka tswa a dirisitse sengwe se se bogale go tlhaba rre yoo ka jaana a ne ragosediwa kwa kokelong ya Thamaga kwa e rileng a goroga teng ba bongaka ba tlhomamisa fa a tlhokafetse. A re mmelaelwa o mo diatleng tsa mapodisi go ba thusa ka ditlhotlhomiso. O tlhalositse gore e e rile maabane mmelaelwa a isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata kwa Kanye go arabela molato wa polao ya motho. A re moswi o beilwe kwa kokelong ya Thamaga go letela go tlhatlhojwa ke ngaka. Mo go tse dingwe, mothusa mogolwane wa mapodisi a Kanye Assistant Suprintendent Mogogi Mathaba o tlhalositse fa mapodisi a Kanye a ntse a batla ba ga bone rre mongwe yo o neng a begwa ke bafeti ka tsela mono Kanye go lebega a gobaditswe mo a neng a sa kgone go bua mme a ragosediwa kwa kokelong ya Sabata mo Kanye kwa a feletseng a fitisediwa kwa go ya Marina kwa Gaborone. Assistant Supt Mathaba o tlhalositse fa tiragalo eo e le ya Seetebosigo e tlhola malatsi a le masome mabedi le borataro. A re mme ka lesego e rile maabane ga bonwa batsadi ba gagwe, a tlhalosa fa rre yoo a santse a le kwa kokelong mme a sidilega. O tlhalositse fa rre yoo a le dingwaga di masome mararo le botlhano, a tlholega kwa motsing wa Selokolela mme go utlwala a ne a hirilwe e le modisa kwa morakeng wa Mmamosetswane mo kgaolong ya a Maokane. A re e ntse e le ka mafelo a beke go nnile le kgang ya thubetso, a re mme mongwe wa kgotla ya Kebuang mono Kanye wa dingwaga tse di masome a mabedi le motso o ne a thubediwa ke banna bangwe ba le babedi ba a sa ba itseng mme go lebega ba le magaring ga dingwaga tse di masome mabedi le bobedi go ya kwa go tse di masome mabedi le boratao. A re tiragalo eo ke ya makuku a letsatsi la Tshipi a tlhalosa fa batho bao ba ne ba tswa maitisong a nnotagi mme e bile mme yoo le ene go lebega a ne a le mo sediding sa nnotagi. O tlhalositse fa mme yoo a thubeditswe mo mafelong a a farologaneng, a re ga go a tshwarwa ope mabapi le tiragalo eo fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 Banni ba kgothaditswe go phepafatsa tikologo ya bone Banni ba motse wa Taung ba kgothaditswe go nna mo tikologong e phepa ka nako tsotlhe go fenya malwetsi. Fa a bua mo bokopanong jwa phepafatso tikologo mo motseng wa Taung bosheng, Kgosi Lebogang Masie o ne a supa boitumelo gore morafe wa gagwe o ne wa bona sebaka sa gore o kopane go sela matlakala mo motseng. Kgosi Masie o ne a supa fa go le botlhokwa gore e le banni ba Taung ba kopane go phepafatsa motse wa bone gore o lebege sentle. O ne a supa fa thulaganyo ya go sela matlakala e ne e ka itumedisa fa e ka dirwa gangwe fela mo kgweding. Le fa go ntse jalo, kgosi o ne a ngongorega ka matlakala a mantsi mo motseng a metseto ya bana, a supa fa se se leswafatsa tikologo. O ne a tswelela a supa fa a tshwenngwa ke ditsha tse di dikgwa ebile di sa tlhabololwa, a re di ka baka borukutlhi mo motseng. Kgosi Masie o ne gakola banni gore motse ke wa bone, ka jalo ba tshwanetse go ikemela ka dinao go phepafatsa le go tshwaragana gore sengwe le sengwe se tsamaye sentle. O ne a akgola ba komiti ya ditlhabololo tsa motse, go bo ba nnile le seabe sa go aga motho le go tla ka methale yotlhe ya go bona gore ditlhabololo di a nna mo motseng. Fa a tswa la gagwe, mothusa mokwaledi wa khansele ya kgaolo potlana ya Borwa Botlhaba Borwa, Mme Ekannamang Mokgweetsi o ne a tlhalosa fa matlakala a tshwenya ka a tletse mo motseng. Mme Mokgweetsi o ne a supa fa banni ba tshwanetse go tlhokomela malwapa a bone go bona gore a nna phepa ka nako tsotlhe. O ne a supa fa matlakala a felela a baka malwetsi a mantsi, mme seo se dire gore botsogo bo nne jo bo sa siamang. O ne a tlhalosa fa bangwe ba kgona go dirisa matlakala go a tsenya mo tirisong gore ba bone letseno ka one. Mme Mokgweetsi o ne a rotloetsa banni go tswelela ba phepafatsa tikologo ya bone ka nako tsotlhe. Letsatsi la phepafatso tikologo le ne le rulagantswe ke ba komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Taung, mme gape go ne go na le dithuto ka tsa phepafatso tikologo le gone go itshidila mmele. environment 5 Banni ba Okavango ba kopa sekole Banni ba kgaolo ya Okavango ba kopile mmuso go aga sekole sa ithutelo bojanala mo kgaolong ya bone. Banni ba metse ya Shakawe le Seronga ba boleletse lekoko le le baakanyetsang tebelopele ya 2036 mo diphuthegong tsa kgotla gore go botlhokwa gore go nne le sekole sa go nna jalo mo kgaolong eo, go tsamaelana le meamuso e e fitlhelwang mo Okavango. Ba re seo se ka nonotsha mohama wa bojanala le go neela banni ba kgaolo eo sebaka sa go anywa dithuto tsa go tsamaisa bojanala go na le jaaka go diragala mo nakong eno fa bontsi jwa dikgwebo tsa bojanala bo tsamaisiwa ke batswakwa. Ba re Batswana ba ba hirilweng ke dikgwebo tsa bojanala mo kgaolong ya bone ba a ba tsiediwa ka go timiwa dikitso gore e nne bone fela ba ba akolang meamuso ya Botswana ka jaana ba itse fa beng gae ba sena kitso. Rre Moqaho Ramphisi a re fa mmuso o ka diragatsa kopo ya bone, go ka isa Motswana go ya pele mo tebelopeleng ya 2036 k. Ba gwetlhile mmuso go isetsa batho ditlamelo ka go lekalekana eseng go di isa ntlha e le nngwe. Mabapi le tikologo, ba kopile makgotla le maphata a a lebaganeng go neela Batswana dithuto tse di tseneletseng go leka go tsibosa setshaba ka botlhokwa jwa go tlhokomela tikologo. Ba re gompieno batho ba senyakaka mantlenyane a ditsa tlholego jaaka makgobokgobo, ditlhare, matlhaka, diphologolo, ditlhare le tse dingwe ka ntata ya go tlhoka kitso ka tshomarelo matlotlo a tlholego. Gape ba kopile gore go neelwe tlotla merafe e e kgonneng go somarela matlotlo a a mo tikologong ya bone ka go ketekela mediro ya teng kwa go one go na le kwa Gaborone jaaka go diragetse ka makgobokgobo a Okavango. Rre Saoqho Kotongwa o kopile gore go nne le molao o o pateletsang bagwebi ba bojanala go ruta beng gae ditiro mo lobakeng lo lo rileng gore ba kgone go itsamaisetsa dikgwebo go hulareng ga bone. Moeteledipele wa lekoko leo Professor Keitseope Nthomang a re maikaelelo a lekoko ke go dira merero tebang le tebelopele ya 2036 go neela Motswana mongwe le mongwe go ntsha mogopolo wa gagwe gore o eletsa gore Botswana o nne yo o ntseng jang go fitlha ka ngwaga wa 2036. Bokhutlo economy_business_and_finance 3 Kgosi o rotloediwa go dibela ngwao Kgosi Sibangani Mosojane wa Mosojane kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba o rotloeditswe go dira ka natla go tsosolosa ga mmogo le go dibela ngwao ya morafe wa gagwe. Fa a bua kwa moletlong wa peo ya ga Kgosi Mosojane kwa motseng oo bosheng, kgosikgolo ya Barolong, Kgosi Lotlaamoreng II o ne a gatelela botlhokwa jwa gore Kgosi Mosojane le magosi a mangwe a kgaolo a thulanye ditlhogo go tla ka maano a se se ka dirwang go tsosolosa seriti le erodumo sa ngwao ya morafe wa Bakalaka. Kgosi Lotlamoreng a re go a tshwenya go bona tshaba ya lefatshe leno e tsweletse ka go latlhegelwa ke bokao jwa yone ka go bo e sa tlhole e tsaa ka tlhwaafalo botlhokwa jwa go tshegetsa dingwao tsa merafe ya yone ka go farologana. A re ka ntlha ya seemo se se sa jeseng diwelang se, go botlhokwa thata gore dikgosi, tse e leng tsone di tswang Goo-Lowe di rwele boikarabelo jwa go sireletsa ngwao ya merafe ya tsone, di eme ka dinao go fetola seemo pele dilo di ka senyegela pele. Kgosi Lotlamoreng o ne gape a ikuela mo go Kgosi Mosojane go kgaratlhela go nna le seabe se se bonalang mo maitekong a go bopaganya tshaba ya lefatshe leno. Fa a gatelela botlhokwa jwa popagano, o ne a supa fa Motswana mongwe le mongwe a tshwanetse a ipelafatsa ka go nna Motswana ga gagwe go nale go eteletsa go nna motho wa morafe o o rileng. A re mowa wa semorafe o tshwanetse wa kgalwa go mennwe phatla ka jaana o sa age setshaba, a re dikgosi jaaka ba-nale-seabe ba ba botlhokwa mo go agweng ga setshaba ba tlamega go dira go bonala go bopaganya setshaba. Go sale foo, fa a gwetlha Kgosi Mosojane go lemoga fa bogosi e se maemo e le bodiredi, Kgosi Lotlamoreng o ne a ikuela mo go ene go tlhomamisa gore o tshegetsa a bo a diragatsa mantswe a motlapele a a bolelang fa kgosi e le thotobolo a olela matlakala. O gakolotse Kgosi Mosojane go lemoga fa go amogela thomo ya bogosi ga gagwe e le go amogela go nna motlhanka wa morafe wa motse wa Mosojane; ka jalo a tshwanetse a ikitaa ka thupana go bona gore o direla morafe wa gagwe ka bonatla le ka boineelo, e bile a sa kgetholole ope. Fa a gatelela botlhokwa jwa go tlotla morafe, Kgosi Lotlamoreng o ne a supa fa go dira jalo e le yone tsela e e tlhomameng ya go tlhomamisa gore morafe o tlotla kgosi ya bone. Sebui se sengwe kwa tirong eo, moatlhodi wa pele wa kgotla-kgolo ya ditsheko John Mosojane, yo a leng rangwaneagwe kgosi o ne a mo gwetlha go dira ka natla go tshwaraganya ba lelwapa la bogosi. A re go dira go dira jalo go ka mo thusa go thibela tlhagogo ya makgamu mo morafeng wa motse oo; a supa fa gape a tshwanetse go atamelana thata le ba lelwapa la bogosi gore mongwe le mongwe wa bone a phuthologe go mo gakolola fa go tlhokega gore go dirwe jalo. A re le fa ntswa dikgosana tsa gagwe di le teng go mo fa dikgakololo, o tshwanetse a lemoga f aka ntlha ya go mo tlotla ba ka iphitlhela ba sitega go mmusetsa mo tseleng fa a ka tshokane a fapogile tsamaiso, mme a supa fa go ka seke go nne thata mo go ba lelwapa la gaabo go mo kaela tsela fa a dule mo seporong. Mo ntlheng e nngwe, Rre Mosojane o ne a gakolola morafe wa motse wa Mosojane go seke ba itshunya nko mo mererong ya ba lelwapa la bogosi, se e le tsela ya go tlhomamisa gore kagiso e tswelela ka go rena mo lelwapeng leo. A re go nna ka tshisibalo ga lelwapa leo go ka dira gore motse oo le one o tshele ka kagiso. Fa a bua mo boemong jwa dikgosi tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba, moemela-kgaolo eo kwa ntlong ya dikgosi e bile e le kgosi wa motse wa Masunga Kgosi Thabo Maruje III o ne a akgolela Kgosi Mosojane tshwetso ya gagwe ya go tla go goga kwa tlhogong tlhabologo le kgolo ya motse wa gaabo. Kgosi Maruje a re ke tshegofatso e kgolo mo motseng wa Mosojane go etelelwa pele ke kgosi yo o iteilweng seatla go utlwala jaaka Kgosi Mosojane, a tlhalosa fa e se dikgosi di le dintsi mo lefatsheng leno tse di tseneng sekolo go ya go fitlha ka dithuto tsa Masters. O ne a itsese batsena-tiro eo fa botsipa le maitemogelo a ga Kgosi Mosojane mo mererong ya go dira dipatlisiso a tla ungwela motse wa Mosojane le kgaolo yotllhe ya Bokone Botlhaba maungo a a mantle. E ne yare a ema kokoano e e neng e tsene tiro eo ka lefoko, mokwaledi wa khansele ya Bokone Botlhaba Rre Charles Amos o ne a itsese Kgosi Mosojane fa tiro e tona ya kgosi e le go tshwaraganya morafe wa gagwe. Fa a amogela thomo, Kgosi Mosojane o ne a supa fa mo dikgweding di se kae tse a ntseng a direla mo kgotleng ya motse oo, a itumeletse tirisanyo mmogo e ntle ya bogogi jwa kgaolo le badirelapuso fela botlhe. O ne a itlama go dira le botlhe ka boineelo, ga mmogo le go tsaa morafe wa gagwe ka tekatekanyo a sa sekamele ntlheng epe. O ne gape a bolela fa a tla kgaratlhela go busetsa seriti sa lelwapa; a re go a tshwenya go bona go santse go nale batho ba ba tsweletseng ka go nna mmogo ba sa nyalana le ntswa go supagetse fa go dira jalo go le diphatsa. A re baratani ba tshwanetse ba nyalana go dibela segolo jang isago ya bana ba bone kgatlhanong le dintlelo tsa botshelo tse gantsi di tlhagogang fa mongwe wa bobedi joo a sena go ikela badimong. Kgosi Mosojane o ne a rolela futshe rakgadiagwe eleng Mme Fredah Mosojane yo o ntseng a mo tshwareletse setilo sa bogosi sebaka sa dingwaga di le lesome le motso tse di fetileng. O ne a supa fa Mme Mosojane a ne a ntse a tshwere ka natla, mme go itumedisa go bo a ne a fologa setilo sa bogosi jwa motse oo ntle le dikgogakgogano dipe. Bokhutlo arts_culture_entertainment_and_media 0 Boimana bo a ilelwa Mme fa a itsholofetse o tshwanetse go ikgapha mo dilong tse dingwe go itsa diemo tse di ka bakang ditlamorago tse di maswe ka nako ya fa a le mo boimaneng le ka nako ya fa ngwana a belegwa kgotsa a sena go belegwa. Se se boletswe ke mosadimogolo, Mme Sephonono Moremedi wa kwa Moshopha mo kgaolong ya Legare mo potsolotsong bosheng. Mme Moremedi,yo o dingwaga di masome a supa le botlhano o itlhalositse fa a ne a belegisa bomme mo malwapeng bogologolo. A re mme fa a tshwantshanya go ima ga bomme ga gompieno le ga bogologolo o bona gompieno go le borai thata ka bomme ba sa ikilele. O ne a fa sekai ka gore mo malatsing a gompieno bomme ba swa ka dipalo tse dintsi fa ba itsholofetse kgotsa ka nako ya pelegi. A re mangwe a mabaka e le gore motho a bo a fetile ka seemo sengwe se a neng a sa tshwanela go feta ka sone. Mme Moremedi a re pele go ne go se motlhofo go kopana le dikgang tse. A re fa mme a itsholofetse ga a a tshwanela go ja dijo dingwe le dingwe, go bereka ditiro tse di bokete le go tsamaya thata gareng ga tse dingwe. O supile gore dijo di tshwana le mae di borai thata go jewa ke mme yo o itsholofetseng ka di dira gore a tsee nako e telele a le mo ditlhabing. A re gape fa mme a imile o tshwanetse go sidilwa kgapetsakgapetsa e le bontlha bongwe ba go lekola ngwana. Mme Moremedi a re le ntswa botshelo ba gompieno bo fetogile thata fa bo tshwantshiwa le ba maloba, ga a rotloetse bomme go kgaphela setso sa botsetse kgakala. O rotloeditse bomme gore fa ba lemoga ba imile ba itsese bagolo ka bofefo gore ba kgone go ba laya. A re o tshwenngwa ke bomme ba ba kgonang go ima ba bo ba nna fela kwa ditoropong ba bo ba ya go kopana le bagolo fela ba setse ba tla botsetseng. Mme Moremedi a re fa bomme ba ba itsholofetseng ba ka tswakanya dithuso tsa ba booki le tsa tsamaiso ya segologolo matshelo a bone a ka babalesega botoka thata. Le fa go ntse jalo, o supile fa a sa rotloetse mme ope go belegela mo lwapeng mo nakong ya gompieno. A re malwetse a a anameng le lefatshe ke one kgwetlho ka a tlhoka boitsaanape jo bo tseneletseng. Bokhutlo society 9 Tshenyo ya dipompo e gaketse kwa Sefhare Mogolwane go tswa kwa komponeng ya metsi ya Water Utilities Corporation (WUC) yo o okametseng dikgaolo tsa Mahalapye le Palapye Mme Daphne Motsumi a re o tshwentswe ke tshenyo e e kwa godimo ya dipompo tse di nosang setshaba kwa Sefhare. Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke tona wa lephata la botsogo Mme Dorcas Makgato kwa Sefhare mo kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami o boletse fa tshenyo ya dipompo tse di nosang setshaba kwa Sefhare e le e e ngomolang pelo ka mo nakong eno go setse go sentswe di le 28. A re tshenyo eo ya dipompo e kgoreletsa kompone ya gagwe go diragatsa maitlamo a yone a go nosa setshaba ka dipompo tseo di baakanngwa kgapetsakgapetsa mme go dirisiwa madi a mantsi fela thata. A re tshenyo e e fitlhelwang mo dipompong tseo e a bo e bonala gore ke e e dirilweng ka bomo ka dingwe bontsi jwa tsone di tlhabiwa ka sengwe se se bogale mme di bo di baka tshenyo ya metsi ka di felela di ntsha metsi fela. Mme Motsumi o ne a bolela fa kompone ya gagwe e itse fa e na le boikarabelo jwa gore dipompo tseo di baakanngwe mme o mo lenaneong la go batla madi go bona gore di a baakanngwa di boela mo seemong sa tsone. O ne a kopa banni go tlhokomela dipompo tseo go hema seemo sa gore kompone e tsee tshwetso ya go emisa go baakanya dipompo tse di sentsweng. Mo go tse dingwe Mme Motsumi o ne a bolela fa go na le tlhaelo e ntsi ya metsi mo metseng ya Tswapong borwa mme lephata la gagwe le sa nna fela ka le santse le sekaseka gore go ka tsewa tshwetso efe. A re metsi a a nowang mo motseng wa Sefhare ke a a tswang mo didibeng di le nne mme a nowa ke metse e mengwe e tshwana le wa Machaneng le Chadibe ka jalo ga a a lekana. O tsweletse a re puso e a sekaseka gore a metse ya Tswapong borwa e ka sielwa metsi go tswa kae. A re mo ditshekatshekong tseo go na le kgonagalo ya gore metse ya Tswapong borwa e nwe metsi go tswa kwa tankeng ya Palapye. O ne a kopa ba ba nang le didiba go buisanya le ba koporase ya metsi go bona gore ba ka adimana didiba tseo jang. society 9 Balwetse bangwe ga ba itsee sentle Mothusa motshwarelela bogosi jwa Gammangwato Kgosi Serogola Seretse a re o ngongoregela maitsholo a a seng mantle a balwetse bangwe ba itshwarang ka one fa ba tsile ko kokelong go kopa dithuso. Kgosi Seretse o boletse fa gona le balwetse bangwe ba ereng ba tsile go kopa dithuso ko sepatela e re ba tsena kwa ba feta ba dirisa mafoko a sa siamang a ditlhapa mo baoking. Kgosi o buile se, fa a ne amogela baeng kwa moletlong wa go baya fa pele dielo tsa boleng tsa ditlamelo le ditirelo tsa botsogo o oneng o tshwerwe ka labobedi kwa sepateleng sa Sekgoma. Kgosi a re ntswa gona le tsamaiso ya gore balwetse ba thuswa jang go lebeletswe seemo se molwetse a tlang a le mo go sone, ebile le bone balwetse ba itse tsamaiso e, gona le balwetse ba ba tlang mme e re ba tsena ba kope thuso ka tsela e sa letelesegeng, e re fa baoki ba ba lemotsha gore ga go dirwe jalo ba ba tlhokele botho ba dirisa mafoko a matlhapa. A re kgang e, e tshwanetse go emelwa ka dinao go kgalemiwe fela thata, a re o tla bitsa diphutlhego ko kgotleng go isa mafoko a kgalemo ko setshabeng mabapi le maitsholo a le go fetola seemo se ise se kukele. Kgosi a re morafe o tshwanetse go gakololwa gore o tlotle tsamaiso ya kokelo ba ithute go kopa thuso ka fa go tshwanetseng, o tsweletse a supa fa a itumelela ba lephata la botsogo ka mananeo a bone a go ruta setshaba ka ditsela tsotlhe. E rile a tswa la gagwe ka dielo tsa botsogo Mme Baile Moagi a tlhalosa fa ba bone go tshwanela gore dielo tse di nne teng go dirisiwa mo dikokelong, dikokelwana, maphatla a ditopo le tlhatlhobo ya tsone, ba thuso ya potlako le ba botsogo ja tikologo lefatshe lotlhe ka bophara. Mme Moagi o tlhalositse fa maikaelelo magolo a dielo tse di dirilweng mo lenaneong la NDP10 e ele go sika tsela e yang go salwa morago go tokafatsa boleng ja tirelo le pabalesego ya balwetse le babereki mo lephateng la botsogo. A re dielo tse, di ya go tlhalosa boleng ja ditirelo le gore balwetse e leng badirisi ba ditlamelo tse, ba babalesegile go le kae. O tlhalositse fa dielo tse tsa boleng tsa ditirelo tsa botsogo di remeletse ka fa badirisi ba ditlamelo tsa botsogo ba itemogelang ka teng gore amme ba botsogo ba kgona go fitlhelela tse ba di tlhokang. A re dielo tse, di a go thusa balwetse gore ba tlhaloganye gore ba solofele eng, fa ba ya go kopa dithuso ko dikokelong le dikokelwana. Mme Moagi a re dielo tse, di tla thusa go nonotsha boikarabelo mo go se ba botsogo ba se dirang segolo jang ba lebile boeteledipele go tswa mo dikokelong le dikokelwana ka a re dielo tse, di ya go kanoka bodiredi gore bo bereka jang. O tsweletse a tlhalosa fa dielo tse, e le selekanyetso sa dikeletso tsa badirisi ba ditirelo tsa botsogo, ka jalo ke ka moo di nang le ditsetlana tse di tla tisang bokanoki ja gore maikaelelo a ba lephata la botsogo a fitlhelelwa. A re dielo tse, di tlhalosa gore boleng ja ditirelo tsa botsogo ke eng le pabalesego ya balwetse, ka a re gore gonne le lephata la botsogo ke ka bone balwetse e leng badirisi bagolo ba ditirelo tse. Dielo tse, di lebelela ka fa badirisi ba tsone ba itemogelang ka teng gore ba lephata la botsogo ba kgone go fitlhelela se ba se tlhokang, fa ba sa se fitlhelela badirisi ba ka kgona go lemoga gore go tlhaela fa kae mme go baakangwe. Dielo tse di tla thusa balwetse le badirisi ba ditirelo tsa botsogo go tlhaloganya gore ba solofele eng fa ba tsile go kopa dithuso mo dikokelong le dikokelwana. A re dielo di fa sekale se se tla tlhalosang gore dikokelo le dikokelwana ka go farologana di thusa balwetse jang fa di tshwantshanngwa. A re dielo tse di tsaya molwetse di mmaya fa gare, di lemoga gore molwetse gore a thuswe go na le makalana a leng teng mo dikokelong le dikokelwana a fetang ka one gore a bone thuso jaaka ko go ikwadisiwang teng, ko baoking le ko go fiwang melemo teng gareng ga tse dingwe, ka jalo dielo tse di netefatsa gore makalana a, otlhe ditirelo di teng. Mme Moagi o boletse fa dielo tse di dirilwe go lebeletse ditsetlana tsa lekgotlana la Intenational Pride For Quality Health Care, lekgotlana le le ikemetseng ka nosi go thusa mafatshe a batlang go tokafatsa ditirelo tsa one. O tsweletse a tlhalosa fa dielo tse di lemoga ditshwanelo tsa molwetse fa a tsena mo kokelong mme di netefatsa gore ga di gatakwe ka dinao ebile di salwa morago ka dinako tsotlhe. A re dielo tse ga di lebelele molwetse fela, le babereki tota dia ba lebelela gore a le bone ba babalesegile. Mme Moagi o tlhalositse fa dielo tse, di dirilwe go lebeletswe melao le melawana ya lephata la botsogo, a re di anamisitswe le dikokelo le dikokelwana lefatshe lotlhe, le mo maranyaneng a internet di tsentswe gore mongwe le mongwe o ka di bona. A re gone ga diriwa ditekeletso go bona gore dielo tse di ka bereka, mme gone ga lemogiwa fa di bereka ke ka moo ba boloditseng letsholo go di neela setshaba gore se itse ka tsone. Mo godimo ga moo, o weditse ka gore go tla dirwa melao e yang go pateletsa mongwe le mongwe , ele wa kokelo ya puso, ya setshaba kgotsa e ikemetseng ka nosi go sala dielo tse morago. BOKHUTLO health 6 Blackie Mabiletsa o bolokwa ka Matlhatso E tlaare ka Matlhatso, Mopitlo a tlhola malatsi a le masome mabedi le bobedi morafe wa Letlhakeng le setshaba ka kakaretso o bo o kokoane go tsamaisa sentle mongwe wa bagaka ba lefatshe leno mo ga tsa sepolotiki, Rre Blackie Mabiletsa. Rre Mabiletsa o tlhokafetse ka Laboraro kgwedi eno e le lesome le bobedi morago ga go lwala ka lebaka mme a tlhokafala jaana kwa kokelong ya Scottish Livingstone kwa Molepolole. Mo potsolotsong, mmueledi wa lelwapa loora Mabiletsa, Rre Jacob Lebeko, yo e neng e le tsala ya moswi, a re Rre Mabiletsa o tshotswe ka ngwaga wa 1947 kwa motseng wa Kgare mo kgaolong potlana ya Letlhakeng. O boletse fa moswi a diretse lefatshe leno ka boleele; a simolotse a direla kwa moepong wa Jwaneng e le Wellfield Operator go simologa ka ngwaga wa 1981 go fitlha ka ngwaga wa 1986, ya re go tlogela koo a ya go tlhongwa kgosi kwa Moshaweng go simologa ka ngwaga wa 1988 go fitlha 1989. Rre Lebeko o tsweletse a tlhalosa fa Rre Mabiletsa, yo o neng a itsege ka “le 14” kwa Domkrag a simolotse go inaakanya le tsa sepolotiki ka ngwaga wa 1994 mme ya re ka one ngwaga oo a fenya ditlhopho go nna mokhanselara wa kgaolo ya Letlhakeng Borwa ka konopo ya Botswana National Front go fitlha ka 1999. A re o ne a boa gape a ipoeletsa ka ditlhopho tsa 2004 a fenya a ba a nna mokhanselara wa kgaolo ya Maboane, e ntse e le ka fa tlase ga phathi ya BNF le fa e rile morago a fuduga ka talama go ya kwa BDP kwa a tlhokafalang a le teng. A re o tlhokafala jaana a ne a itikile lesego mo ditlhophong tsa peo letlhokwa tsa bokhanselara mo kgaolong ya Letlhakeng Borwa ngwaga ono, mme ka go tlhoka lesego a ne a fenngwa. Rre Lebeko o boletse fa Rre Mabiletsa e le mongwe wa ba ba nnileng le seabe mo go simololeng lekalana la banana mo phathing ya BDP. O tsweletse a bolelela lekalana la BOPA fa ntle le dipolotiki Rre Mabiletsa e ne e le leloko la kereke ya Letlhakeng Holiness Union, e bile e ne e le modulasetilo wa kereke mme gape a tshegeditse maemo a boeteledipele jwa lekalana la borre. A re moswi o tlaa gopolwa thata ka bonatla jwa gagwe le botlhaga fa go ne go tla mo go tsa sepolotiki. Moswi Mabiletsa yo gape e neng e le molemi morui o tlogela mohumagadi, bana ba supa le batsalwa nae ba borre ba le babedi. BOKHUTLO society 9 Khansele ya Palapye e aba matlo E rile bosheng modula setilo wa khansele potlana ya Palapye, Rre Onneetse Ramogapi a abela malwapa mangwe dilotlele tsa matlo a ba a agetsweng ke khansele potlana ya Palapye. Rre Ramogapi o ne a tlhalosa fa go agela batho matlo e le go rurifatsa moono wa ga Tautona wa 5D’s mme thata a remeletse mo go wa ditlhabololo le serite, se se raya gore motho o tshwanetse a nne le fa a ka latsang tlhogo teng. Rre Edward Nakedi, motlhatlhobi wa dikago mo kgaolong potlana ya Palapye , o tlhalositse fa matlo otlhe a a agilweng mo kgaolong eo a le masome a matlhano le bosupa, mme a a agilweng kwa motseng wa Tamasane a le boferabongwe , a le boferabobedi a fedile go setse e le nngwe. Mo go one matlo a masome a matlhano le bosupa a, batho ba ntlha go a amogela ke Mme Godisamang Moakofi le Mme Gontshang Bagaisamang, ba botlhe ba supileng boitumelo jo bogolo ba bo ba solofetsa go tlhokomela matlo ao. Kgosi Roman Mpule wa Tamasane o ne a supa boitumelo jo bo tona fela thata, mme a gatelela kgang ya gore batho ba seka ba lwela matlo a ka gore ke a bone botlhe mo lwapeng. Bokhutlo society 9 Ba rotloediwa go tsaya Omang Batswana ba rotloediwa go tsaya dikarata tsa Omang ba sena go di shafatsa go hema mosuke kwa diofising tsa Omang. E rile mogolwane wa Omang mo kgaolong ya Kgatleng, Mme Boikhutso Shawe a bua mo potsolotsong le A re le fa go ntse jalo, bontsi jwa Batswana ba shafatsa boOmang mme ba tsee sebaka go tla go ba tsaya mme seo se bake mosuke kwa diofising tsa bone fa ba setse ba tla go ba tsaya. Mme Shawe o ne a supa fa boOmang ba felela ba tlala kwa diosfising tsa bone ba sa tsewe. A re gape Batswana bangwe ba diega go tla go shafatsa Omang mme ba tle ka motsotso wa bofelo nako e setse e ile mme seo se na le seabe mo go bakeng mosuke. A re se sengwe se se bakang gore Batswana ba tle ka bontsi kwa diofising tsa bone ke gore bontsi jwa Batswana ba dirile Omang ka ngwaga wa 1988 mme ba tlaa bo ba shafatsa boOmang ba bone la boraro mo ngwageng ono. Mogolwane wa Omang a re seo se raya gore diofisi tsa Omang lefatshe ka bophara ba ya go tswelela ba nna le dipalo tse dintsi tsa Batswana ba ba shafatsang boOmang go ya go fitlha ngwaga o o tlang. A re gape e re ka jaana dintsho di diragala nako e ntsi ka mafelo a beke fa diofisi di tswetse, Batswana ba a bo ba tsile go kopa ditlankana tsa dintsho, bogolo jang mo malatsing a Mosupologo le Labobedi ka go supagetse fa Batswana ba tla ka bontsi mo malatsing ao go kopa ditirelo tsa ofisi. Mme Shawe o ne a tlatsa ka go re ba dirisana thata le lephata la thuto mme o fitlhela bana ba sekole ba tlhoka ditlankana tsa matsalo go ya metshamekong mme seo le sone se na le seabe mo go bakeng mosuke mo diofising. A re gape bana ba mophato wa bone ba ya kwa dikoleng tse dikgolwane morago ga maduo a lekwalo la boraro mme ba tlhokana le ditlankana tsa matsalo go ya sekoleng. politics 7 Isuzu e gapile botshelo Mapodisi a Tshane a tlhotlhomisa kgang e mo go yone, koloi ya modiro wa Isuzu e oleng ya bo ya gapa botshelo jwa motho mo tseleng ya Hukuntsi/Zutshwa mo bosheng. Go ya ka mothusa mogolwane wa mapodisi a Tshane, Assistant Superintendent Batisane Modise, kotsi e e diragetse fa gare ga metse ya Zutshwa le Hukuntsi, dikhilomitara di fera bobedi go tswa mo Hukuntsi. Rre Modise o tlhalositse gore koloi eo e ne e pegile batho ba le batlhano, go balelwa le mokgweetsi mme mo botlhanong jo, go ne ga rurifadiwa fa mongwe wa bapalami a tlhokafetse kwa kokelong e kgolwane ya Hukuntsi, ba le bararo ba bone dikgobalo tse dipotlana, mme ba gololwa go ya go ikokela kwa malwapeng, fa a le mongwe a ragoseditswe kwa kokelong e kgolo ya Marina. Assistant superintendent Modise o tsweletse ka go tlhalosa fa ba ise ba itse se se ka tswang se bakile kotsi, ka ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse, mme ba belaela gore e ka tswa e bakilwe ke go tlhoka kelelelo ga mokgweetsi, ka jaana a ne a kgweetsa a se na setlankana sa go kgweetsa. Rre Modise o tsweletse ka go supa fa tiragalo ya mofuta o e le ya ntlha mononwaga ya kotsi ya koloi e e bakileng loso kwa kgaolong ya gagwe. BOKHUTLO disaster_accident_and_emergency_incident 2 Tshomarelo tikologo ke ya
 botlhe Moeteledipele wa botsogo le pabalasego wa meepo ya Orapa,Letlhakane le Damtshaa(OLDM) Rre Badiri Motlaleng o tlhalositse fa tshomarelo ya tikologo e le maikarabelo a batho botlhe. Rre Motlaleng o buile se kwamoletlong wa go ipelela phepafatso ya tikologo ya metse ya kgaolo ya Boteti o oneng o rulagantswe ke khansele-potlana ya Boteti kwa Mmatshumo bosheng, otlhalositse fa tikologo e tlhokwa go somarelwa ke mongwe le mongwe ka dinakotsotlhe gore e seka ya latlhegelwa ke boleng. A re magae,masimo,meraka,dipolase,madirelo,dimeladiphologolo,metsi le sengwe le sengwe se se mo tikologong se tshwanetswe gobabalelwa gore dikokomane tse di tlang di di fitlhele di le mo seemong se sekgatlhisang. O rotloeditse banni ba kgaolo ya Boteti go emisa go tshubamatlakala mo go senang boikarabelo le kelelelo,go dirisa sekgwa jaaka matlo aboitiketso,go baya matlakala fa thoko ga tsela le go latlhela metseto momebileng,merakeng le mo masimong,a re tse tsotlhe di tshwanetse go nyelediwa kadi kgotlelela tikologo. Rre Motlaleng o supile fabatho bangwe ba itlhokomolosa go tlhokomela tikologo le ntswa go le turu go ebaakanya ebile go le thata go e busetsa mo mannong, a re puso e dirisa madi amantsi go alafa malwetse a a amanang le tikologo a a runyang nako le nako jaakakhupelo,letshololo le a mangwe. O ne a ba rotloetsa gobusetsa matlakala mo tirisong ka go dira dithoto ka seo se batho ba ka itshetsangka go di rekisa le go fokotsa ditshenyegelo a tlatsa ka gore le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana letlhoko la dikoloi tse di baakanyang mafuti amatlakala le letlhoko la matlwana a boitiketso mo mafelong mangwe,meepo ya OLDMe itlhomile kwa pele ka go ikgolaganya le setshaba sa kgaolo ya Boteti mophepafatsong tikologo. Rre Motlaleng o ne a akgolakomiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mmatshumo,magosi le ba komiti ya botsogo gobo ba tsweletse ka go ruta setshaba ka botlhokwa jwa tshomarelo ya tikologo. Motsewa Mmea o ne wa tsaya maemo a ntlha mo metseng e e mebotlana mme wa ikgapelaP700 fa maemo a ntlha a gapilwe ke Mmatshumo mo metseng e megolwane mme waikgapela P1000 fa maemo a ntlha a ne a tsewa ke Mopipi mo metseng e metona mmewa ikgapela P1200 le ditanka tse di latlhelang matlakala di le tlhano. Moletlooo, o ne o tshwerwe ka fa t lase ga setlhogo se se reng”Bonno jwa me,lebopo larona,ke boikarabelo jwa rona”. economy_business_and_finance 3 Tautona o itlama go tlhabolola Batswana Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama o itlamile go oketsa ka fa a ntseng a dira ka teng go tlhomamisa gore matshelo a Batswana a a tlhabologa. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Hatsalatladi mo kgaolong ya Kweneng ka Tshipi, Tautona a tlhalosa fa a se kitla a boela morago tsholofetso ya go tlhabolola matshelo a Batswana go netefatsa gore seemo sa itsholelo ya bone se a tokafala. A re tokafalo ya seemo e ya go dira gore go berekwe phetelela go leka go busetsa seemo sa matshelo a batho le sa ditiro tsa ditlhabololo tse di neng tsa amiwa ke bothata jwa kwelotlase ya itsholelo. O kopile banni ba kgaolo ya Lentsweletau/Mmopane go tlhaloganya fa mopalamente wa bone, Rre Vincent Seretse a filwe boikarabelo jwa go etelela lephata la papadi le madirelo ka jalo jaaka matona a mangwe, ba ya go kgaogelwa ke mpeetshane go itebaganya le lefatshe ka bophara eseng dikgaolo tsa bone fela. Mabapi le matshwenyego a e neng a rolwa ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre David Tumagole, Tautona Khama o ne a solofetsa fa a tla tlhomamisa gore maphata a amegang a tsibogela dikgang tse di amang matshwenyego a morafe mo nakong e e sa fediseng pelo a akaretsa go tlhomamisa gore dikokelwana di dira ka baoki ba babedi go hema seemo se mo go sone morafe o sa boneng dithuso fa mooki a seyo. Fa a itebaganya le seemo sa tsela ya Lentsweletau/Hatsalatladi, o boletse fa ele nngwe ya ditiro tse di neng tsa busediwa morago jaaka bontsi jwa ditiro tse dingwe tsa ditlhabololo mme a solofetsa gore jaaka seemo sa itsholelo se tokafetse go tla a simololwa go itebaganngwa le tsone jalo a kopa morafe go nna pelo telele. Rre Tumagole o ne a bolela fa ba sa itumedisiwe ke go tlhoka lepodisi la maemo a magolwane go thusa go kwadisa leruo, tiego ya mananeo a dithuso tsa puso le dikgang tsa borukutlhi, matlo a borutelo a a ranyegileng a a reng a tsenya matshelo a baithuti le barutabana mo diphatseng gammogo le seemo se se sa itumediseng sa tsela ya Lentsweletau/Hatsalatladi e a reng se kgoreletsa metsamao wa bone ka jaana ba amogela dithuso mo bodireding kwa Lentsweletau. Mogolwane wa mapodisi a Kweneng , Senior Superintendent Cavin Mookodi, o solofeditse fa thulaganyo e dirilwe go fudusetsa lepodisi la maemo a sergeant kwa motseng wa Hatsalatladi mme ba emisitswe ke tlhaelo ya boroko. Mokwaledi wa khansele ya Kweneng, Rre Wazha Tema ene o solofeditse fa ba dirile maiteko a go fefosa tiego e e tshwenyang morafe ya dikgang tsa nyeletso lehuma ka go thapa badiri ba boipelego ba le masome mabedi le boferabongwe ka maikaelelo a go fefosa tsamaiso ya lenaneo leo mo kgaolong ya Mokwena. Mabapi le kgang ya go ranyega ga matlo a borutelo o boletse fa ba tsere tshwetso ya gore go emisiwe tiriso ya one ka ba batla go a thuba ka tsholofelo ya gore a tla a agiwa mo tshimologong ya ngwaga wa madi wa 2015/2016. BOKHUTLO society 9 Thuto-ga-e-golelwe e file mosadi seriti Thuto ke lesedi le legolo le le sekeng le tima, le e reng fa motho a le mo go lone a bo a ka seke a timele e bile a kgona go nna le seriti. Mafoko a, a boletswe ke Mme Marriam Matlou wa kgotlana ya Lesung kwa Sefhare yo o itlhalositseng fa a ne a seke a ipona tsapa go inaakanya le sekole sa thuto-ga e-golelwe. Mme Matlou a re e ne ya re ngogola ka kgwedi ya Motsheganong a utlwa go buiwa ka go ikwadisetsa go tsena thuto ga-e-golelwe mme ya nna ene mongwe wa batho ba ntlha go ikwadisa. A re o ne a ikwadisetsa go dira lekwalo la ntlha ka a ne a ise a ise a tsene ka kgoro ya sekole go tloga bonyennyaneng ja gagwe. Mme Matlou yo o dingwaga tse di masome a marataro o kaile fa ditsamaiso dingwe tsa bogologolo jaaka go nyalwa ba sa le babotlana le go disa leruo la batsadi ba bone e le dingwe tsa tse di neng tsa kgoreletsa bontsi ja bone go ya sekoleng. A re mme ka jaana a segofetse a kgonne go bona sebaka sa go tsena sekole, o iketeile sehuba go dira ka natla mo dithutong tsa gagwe. O tsweletse ka gore o ne a sa itse go kwala leina la gagwe gotlhelele, a sa itse go bala e bile e a re a saena a bo a baya letshwao la X. O ne a supa fa jaanong seemo se se fetogile ka a kgona go kwala maina a gagwe ka botlalo, a kgona go ipalela fale le fale e bile jaanong a saena ka go kwala leina la gagwe. Mme Matlou o ne a supa fa a eletsa go tsweledisa dithuto tsa gagwe go ema ka lekwalo la bosupa mme a re sebe sa phiri ke go tlhoka go tla sekoleng ga morutabagolo letsatsi le letsatsi ka mabaka a botshelo. A re seemo se ke sone se mo diileng gore a bo a ise a fetse lekwalo la gagwe la ntlha. Le fa go ntse jalo, o ne a supa gore ka dinako tsa fa ba sa kgona go ya sekoleng, o nna a kopa bana ba gagwe go mo gakolola tse a tshelang a di rutwa kwa sekoleng gore a seka a lebala. Mme Matlou a re ene ditiro tsa mo lwapeng ga di kgoreletse dithuto tsa gagwe ka a kgaogantse nako ya gagwe sentle. Ntle le go ithuta go bala le go kwala, mme Matlou a re o na le botsipa ja go loga didirisiwa tse di farologanyeng ka polaseteke. O ne a kaya fa a eletsa gore mo tsamaong ya nako a kgaogane botsipa jo le ba bangwe ba a tsenang sekole nabo. A re ke nako ya gore mongwe le mongwe a bo a setse a ikemetse ka dinao gore segolo ka ngwaga o o tlang wa 2016 a bo a fitlheletse mangwe a matshego a tebelopele ya 2016 fa e le gore ga a a kgona go a fitlhelela otlhe. A re ene ntle le go inaakanya le tsa thuto, ke motho yo o kutlwelobothoko ka a kgona go fa bangwe ka ene dithuso ntle le dituelo. Mme Matlou o ne a rotloetsa ba ba saletseng kwa morago mo dithutong go inaakanya le sebaka se tshwana le se a leng mo go sone. A re mme o eletsa gore borre ba itsose ka a lemoga fa e le bone ba santseng ba saletse kwa morago ka gore kwa sekoleng sa bone palo ya borre e kwa tlase thata fa ba tshwantshanngwa le bomme mme go sa ree gore bontsi ja borre ba iteilwe letsogo. education 4 Double Numbers: motlhami wa dikopelo yo motona Motswana o sale a buile a re selo se kopelo e a tsalelwa, e tshwana le bogosi. O ne a opile kgomo lenaka ka jaana ga se mang le mang yo o ka reng o dira pina ya dikopelo mme batho ba tlhaloganye molodi wa yone. O supile fa go ne go opelelwa kwa masimo mme le tsone dikhwaere di ne di le palo-potlana mme batho ba itse ko go iwang teng ka nako ya matsalo a morena le ngwaga o mosha. A re bontsi jwa batho ba ba neng ba opelela khwaere eo e ne e la ba kgaolo ya Leloto. A re ba ne ba tlhama mokgatlho o o bidiwa Baikopanyi mme kgangkgolo ya bone e le gore dikopelo tsotlhe di dire mmogo go ya pele.BOKHUTLO society 9 Sexaxa o amogela badiragatsi Banni ba Sexaxa mo kgaolong ya Bokone Bophirima ba itumeletse go amogela badiragatsi ba ba farologaneng go tswa mafatsheng a sele ba ba tsileng kwa kgaolong ya Nhabe mo thulaganyong e e tsweletseng ya botaki le bodiragatsi. Mo potsolotsong bosheng, kgosi wa motse oo, Rre Thaloganyo Lekang a re ba itumetse fela thata ka badiragatsi ba ba tsileng mo motseng wa bone ka ba kgonne go reka dithoto tsa bone tsa Setswana tse ba di rokang mo motseng wa bone wa ngwao Kgosi Lekang a re ba kgonne go nna le sebaka sa go ithekisa mo bathong ba ba tswang kwa mafatsheng a Canada, America le Nigeria ka tse ba di dirang mme a tswelela ka go supa fa ngwao ya bone ya Seyei le yone e ratiwa ke batho ba mafatshe a a kgakala. O tlhalositse fa ba tlhoka mmaraka o ba ka rekisang dilwana tsa bone tsa ngwao teng, ka jalo go tla ga tiragalo eo mo kgaolong ya bone go ba thusa go nna le sebaka sa go rekisa gore ba bone se ba ka itshetsang ka sone Mo go tsa ngwao, Kgosi Lekang o tlhalositse fa ba agile motse wa ngwao go leka go tsosolosa ngwao ya Bayei le teme ya bone e a tlhalosang fa bana ba bone ba sena kitso ya tsone. A re ba agile motse wa ngwao ka dilo tsa setso di akaretsa letlhaka, mokola, mapako a mophane, bojang le mmu wa seolo. Kgosi Lekang o kaile fa ba dirisa motse oo go apaya dijo tsa Setswana jaaka seswaa, dinawa, manoko le mmidi. O kaile fa badiragatsi ba ba neng ba etetse motse wa bone ba nnile le sebaka sa go ithuta mmino wa bone wa Seyei o o bidiwang Shimbiro, o a tlhalositseng fa o ne o opelelwa bana ba basetsanyana ba ba golang. Mme Juliet Kego Ume-Onyido, mongwe wa badiragatsi mo go tsa poko a tswa lefatsheng la Canada a re o ithutile gore ngwao ya Setswana e a farologana e bile e supa bodiragatsi jo bo ka ratiwang ke batho ba le bantsi mo lefatsheng ka bophara. Fa a ntsha la gagwe, Rre Thato Molosi, yo e leng moeteledipele wa ditiragalo wa Poetavango Spoken Word Poetry, o supile fa maikaelelo magolo a bokopano joo e le go leka go kabakanya bojanala le bodiragatsi e le tsela ya go bo rekisa kwa mafatsheng a sele. Rre Molosi o supile fa gape ba leka go bulela badiragatsi mmaraka wa thekiso mo mafatsheng a ba bapileng le one gammogo le a a kgakala. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Kebonang o a ngongorega Mothusa Tona wa Lephata la Papadi le Madirelo, Rre Sadique Kebonang, a re o tshwenngwa ke gore batho ga ba dirise mananeo a a mo lephateng leo. Rre Kebonang o tlhalositse se mo phuthegong ya baagi ba Tsholofelo mo kgaolong ya Gaborone Bokone bosheng. “Ga re itse gore a ke gore ga le itse gore mananeo a teng, kgotsa le a a itsapela, kgotsa ga le a tlhoke, kana a a tura, ka ikopelo ya lona ya madi e kwa tlase,” aga bua Rre Kebonang A re puso e dirile mananeo a a thusang ka madi jaaka CEDA go adima Batswana madi gore ba tsene mo dikgwebong. Mothusa tona o kgothaditse banni go iteka ka go dirisa mananeo. Rre Kebonang a re mongwe le mongwe o ka tlhama kgwebo, ka jalo go le botlokwa gore bangwe ba tlhame ditiro, go thusa puso mo tshokolong ya letlhoko la ditiro. “Puso e ka se kgone go hira mongwe le mongwe, ke ka moo e tsileng ka mananeo a dithuso tsa madi go dira dikgwebo, e le sebaka sa go rotloetsa Batswana gore ba itirele dikgwebo go imolola puso mokgweleo wa khiro,” a tlhalosa. A re letlhoko la motlakase le metsi ga se mathata a a tlaa nnelang ruri. “Re dumela gore, lefatshe le le santse le le lennye mo e leng gore rotlhe re ka leka go tsaya mananeo, ra a dirisa, ra tlhama ditiro, gore le rona mo botshelong re ka nna le ditsarona,” a bolela. Fa a tlhalosa ka mananeo a a leng teng kwa CEDA, mogolwane wa lekalana leo, Rre Thabo Thamane, o tlhalositse fa CEDA e dirilwe morago ga puso e sena go lemoga fa Batswana e ne e le babogedi mo mererong ya tsa kgwebo, mo lefatsheng la bone, ka jalo puso ya tsaya tshwetso ya gore ba ntshe lenaneo le e leng gore le tlaa thusa Batswana ba e leng gore ba kokonelwa ke merokotso le dielo tse di batliwang ke dibanka. Rre Thamane o buile ka lenaneo la banana le a supileng fa le tokafaditse melawana yotlhe ka fa ba ka kgonang ka teng. A re ba dirile thumalano le ba kabo ya lefatshe go abela bakopi lefatshe. “Re na le letshwenyego la bagolo ba e leng gore ba dirisa banana go tsaya madi, ka gantsi e le bone ba etelelang banana pele mo ikopelong ya madi,” a supa. O ile a supa fa ba thusa dikgwebo tse e leng gore ga di na madi a go reka dithoto fa ba bone dithendara, e le karolo fela ya bontsi jwa mananeo a bone. O kgadile dikakanyo tsa gore go tlatsa diforomo go thata, ka gantsi batho ba go nna jalo ba ise ba dire maiteko a go e dirisa. Mopalamente wa kgaolo eo, Rre Haskins Nkaigwa, o ne a lebogela lesedi le mothusa tona, a tsileng ka lone, a supa fa go tlhokafala gore banni ba ne ba ithuta gore ba tle ba kgone. Rre Nkaigwa o tlhalositse fa go utlwisa botlhoko gore Batswana ba bo ba santse ba le maoto a tshupa gore ba dirise mananeo, mme seemo sa botshelo se supa fa go santse go supagala gore ba kabo ba tshela jaaka ba tshela. “Tsholofelo ke gore letlhoko la ditiro le le re apereng mo kgaolong e ya rona, ke gore re bone botsadi, banana, ba ba ntseng ba reeditse ka tlhwaafalo ba simolola le gone go tsaya mananeo a,” a tlhalosa. economy_business_and_finance 3 Sekolo sa Baisago se abetse bana dimpho Baithuti ba sekolo sa Baisago University College ba abetse sekolo sa bana (pre school) sa Botshelo Ithuteng kwa Serowe dimpho tse di farologanyeng tsa madi a a fetang dikete tse thataro bosheng . Fa a bua kwa moletlong wa go abela bana bao dimpho, mogolwane wa thuto kwa Serowe, MmeThusego Baloni a re sekolo sa Baisago University College se tsere matsapa go kokoanya madi ba dira ka lorato go supa fa le bone ba tlhokomela e bile ba gwethega go thusa puso go bona bana ba na le bokamoso jo bo siameng a tlhalosa fa go dira jalo go rotloetsa bana go tsaya thuto ya bone ka tlhwaafalo. Mme Baloni a re o lemogile gore bana ba ba tseneng mo sekolong sa Botshelo Ithuteng ba botlhale gape ga ba tshabe sekolo,o ne a kopa batsadi ba bana go tsaya dithuto tsa bana tsie ka ke bokamoso jwa bone. O ne a leboga barutabana ba sekolo sa Botshelo Ithuteng go itlhaopa go fa bana ba ba botlana ba kgotla ya Marulamantsi mo Serowe thuto mme ba sa duelwe, a re go dira jaana ke tiro e tona e e supang maikaelelo a motsadi mo thutong ya bana. Mogokgo wa sekolo sa Baisago Mme Oanthata Mokalake fa a tswa la gagwe o lebogile puso go tshwaragana le bone ka go tsaya bana bangwe mo sekolong seo go ba isa kwa sekolong sa ithutelo go ruta bana ba ba iseng ba simolole dikolo kwa Serowe College, ka go dira jaana puso e lemogile gore go na le thaelo e ntsi ya barutabana ba dikolo tsa bananyana. O ne a tlhalosa gore go kgobokanya dimpho tse ba ne ba rekisa dinekere le go ntsha mo dipateng tsa bone, mme ba reka dilwana tse sekolo se di se tlhokang. Batsadi le bone ba ne ba ntsha madi go thusa sekolo kwa moletlong oo. Moruti Bernard Mpolokeng o ne a leboga sekolo sa Baisago Baisago University College go dira tiro e ntle, a re go dira jaana Modimo o a itumela ka o batla bana ba gagwe ba thusana e bile ba nna ka dipelo tse itumelang. Mogolwane wa Baisago University College yo o itebagantseng le dikeletso tsa baithuti (Student Welfare and Support Services)Mme Agnes Mohwasa e rile a latlhela la gagwe, a re o lemogile gore go le gantsi batho bangwe fa ba abetswe ga ba tlhokomele se ba se abetsweng ka ba sa se huhulela mme a kopa gore baithuti le barutabana ba tlhokomele dimpho tseo. Dimpho tseo di akaretsa dikobo, dimmete, materase, diaparo tsa bana tse di farologanyeng, dibuka dikgamelo le dilo tse di tshamekang tse di farologanyeng le tse dingwe. Moruti Mr Bernard Mpolokeng fa a tswa la gagwe, one a leboga sekolo sa BAISAGO go bob a dirile tiro e ntle hela thata, a re go dira jaana modimo o itumela hela thata ka o batla bana ba gagwe ba thusane.Fa Mme Agnes Meisie Mohwasa a wetsa la gagwe, a re o lemogile gore batho gantsi ha ba tlhokomele dilo tse ba sa dihuhulelang,jaanong o kopile barutabana go tlhokomela dimpho tse. BOKHUTLO education 4 BUIST e fetsa go fuduga ka Sedimonthole Unibesithi ya dithuto tsa boranyane ya seemo sa mafatshe ya Botswana (BUIST)e solofetswe go bo e dira ka botlalo go tswa kwa dikagong tsa yone kwa Palapye go simolola Firikgong ngwaga o o tlang jaaka go tlaa bo go weditswe go e fudusa. Pego go tswa kwa sekoleng seo e tlhalosa gore go fuduga ga unibesithi eo go ya kwa dikagong tse disha kwa Palapye go tswa kwa sekoleng sa thutelo tiro ya diatla kwa Oodi go simologile kgwedi eno mme go ya go wela ka Sedimonthole. Pego e e bolela gape gore phuduga e e tlaa dirwa ka dikgato ka diofisi tsa tsamaiso di akaretsa tsa madi tsa dikhompiutara, tsa tupo dibuka, tsa molao, kanamiso mafoko, tirisano le setshaba le tsedingwe e le tsone di fudugang pele, kwa bokhutlong ja kgwedi eno. E tlhalosa gape gore baithuti, le batlhatlheledi, ba tlaa fudugela kwa Palapye ka Morule go fokotsa go kgoreletsa dithuto. E bolela gape gore phuduga e e tlaa thusa thata go godisa BUIST go e dira mohama wa dipatlisiso le thuto o o tiileng bogolo mo go tsa boinjiniere le boranyane jaaka e le yone meono e e thailweng ka yone kwa tshimologogng. BOKHUTLO education 4 Lekgotla la kabo ditsha le leboga badiri Erile a amogela baeng kwa moletlong oo, modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Kweneng, Rre Moemedi Babitseng, a re maikaelelo ke go rotloetsa bao ba ba dirileng sentle go tswelela ba dira ka natla go feta fa, le gone go rotloetsa bao ba ba sa dirang sentle go iteka mo nakong e e tlang. Mokwaledi wa lekgotla leo Rre Vincent Sekano o ne a supa fa lekgotla la kabo ditsha la Kweneng le dule ka maduo a a botoka mo ngwageng e e fetileng, le ntswa ba ne ba kgalelwa tshenyetso setshaba le go dira madiadia mo go ntsheng ditirelo. Rre Sekano o supile fa maduo a bone a tokafetse thata ka ntlha ya bodiredi jo bo leng teng, a bo a rotloetsa bao ba ba sa tsayang dietsele go iteka ngwaga e e tlang. O supile gape fa setlhopha sa bone sa kgwele ya dinao se ne se dirile sentle, mme sa felela se ya go ba emela kwa lefatsheng la Lesotho, kwa se neng sa tla ka maemo a boraro. Mokwaledi wa khansele ya Kweneng Rre Wazha Tema, o ne a rolela ba lekgotla la Kweneng hutshe go bo ba dira ka natla, o ne a supa fa lekgotla leo e le lone le le abang ditsha, mme go ne go ka nna molemo fa ba ka itse matlhoki a ba ba neelang ditirelo ka jaana a farologana. O ne a kopa bodiredi jwa kabo ditsha go bala le gone go ithuta ka maranyane a segompieno ka jaana bao ba ba fang ditirelo e le batho ba segompieno ba ba rutegileng . O ba kopile gape go tokafatsa thata ditirelo tsa bone le go fokotsa ditshenyegelo. O ba kopile gape gore fa ba sena go neela batho lefatshe ba batlisise gore lefatshe leo le solegetse batho bao molemo go le kae, le tlhametse batho ditiro ba le kae le gone gore le dira dipoelo go le kae. BOKHUTLO society 9 Spirit Embassy e abela baithuti Kereke ya Spirit Embassy e abetse baithuti ba sekole se segolwane sa Shanganani kwa Tsamaya dikobo, melora, mesangwana ya bomme le tse dingwe, morago ga go amiwa ke molelo o o neng wa senya matlo a basetsana a borobalo Mopitlo a tlhola lesome le bobedi. E rile a amogela dimpho tseo ka Matlhatso, mogokgo wa sekole seo, Mme Ndinaani Mandevu a tlhalosa fa sekole se ne sa welwa ke seru ka Mopitlo, a tlatsa ka go re ditlhotlhomiso di ne tsa supa fa go ne go na le diphoso tse di diragetseng mo kgokelong ya motlakase mo matlong a borobalo a basetsana. Mme Mandevu a re go ne go amegile baithuti ba le masome a mararo le bobedi, a tlatsa ka go re molelo o ne wa tlhagoga baithudi ba sena go ya dithutong. O ne a leboga kereke ya Spirit Embassy go ba tswa thuso, segolo jang ka paka ya mariga e simologa. “Ke itumela thata go bona batsadi ba re eme nokeng morago ga tiragalo e e masisi e e tlogetseng bana ba rona mo legoeleleng, ke leboga thata le lorato lwa kereke ya Spirit Embassy,” ga bua mogokgo. Batsadi ka go farologana ba ne ba supa fa ba tletse boitumelo go bo dikeledi tsa bana ba bone di phimotswe. E rile a tswa la gagwe, mme Ntomi Sanfole go tswa kwa Mabudzane a tlhalosa fa dipelo tsa bone di ne di gamuketse botlhoko ka ba ne gape ba tshogetse bokamoso jwa baithuti. A re seru sa go tshwana le se se kgona go nna le seabe se setona mo dithutong tsa bana, segolo jang ba ba amegileng. Motsadi go tswa kwa Themashanga, Mme Rebecca Matilamba o ne a leboga kereke, a ba kgotlhatsa go tswelela ba supa mowa o montle oo. Moithuti Game Ishmael le ene o ne a leboga kemo nokeng ya Spirit Embassy, a re go a lebosega go bona batsadi ba na le seabe mo botsogong ga mmogo le thuto ya bone. Moruti wa Spirit Embassy, Rre Peter Ngoma o tlhalositse fa kereke ya gagwe e na le makalana ka go farologana go thusa Batswana lefatshe ka bophara. O ne a gomotsa baithudi, a ba lemotsha fa ba na le batsadi ba ba lorato ba ba tlaa tswelelang ba ba ema nokeng ka dinako tsotlhe, go le monate le go le botlhoko. Rre Ngoma o ne a kgothatsa baithuti go tsaya dithuto ka tlhoafalo, go ikgapha mo go tse di maswe jaaka go goga motekwane ga mmogo le go nwa majwala. A re seo se ka kgoreletsa dithuto. O ne a ba rotloetsa go fetola matshelo a bone, go tshelela mo Moreneng, a kaya fa e le ene fela a ka ba fang lesedi mo matshelong a bone. Maloko a Spirit Embassy ba ne ba phepafatsa matlo a borobalo a a neng a amegile. education 4 Kgosi ya Gumare e lela ka tlhako le molomo Kgosi Moitshephi Molelwa wa Gumare o ikuetse mo go motshwarelela tona wa thuto, Rre Mokgweetsi Masisi ka tlhagogo ya bolwetse jwa tlhako le molomo jo bo utlwaletsweng mo kgaolong ya Okavango. O buile se fa a amogela Rre Masisi kwa tholong semmuso ya ntlhopheng wa mopalamente wa kgaolo ya Ngami wa phathi ya Domkraga, Rre Thato Kwerepe ka Matlhatso , Seetebosigo a tlhola malatsi a le masome mabedi le borobabobedi kwa Gumare. O ile gape a re o tshwenyegile ka palo e potlana ya bana ba ba dumelelwang kwa dikoleng tsa ithutelo ditiro, a a fa sekai ka dithuto tsa bongaka, a re palo e e kwa tlase fela thata. E rile a akgela, Rre Masisi a tlhalosa gore ka e le gone a utlwang dikgang tse, o tlaa tlhomamisa gore di a tsibogelwa. O tlhaloseditse Kgosi Molelwa gore ka kgang ya bana ba sekole, e tlaa re mo bogaufing a bo a setse a na le karabo ya go bona gore ba ka thusa jang. Motshwarelela tona o boletse gape gore ne e tlaare a tswa Gumare a bo a etetse motse wa Shakawe kwa a tlaa buisang phuthego teng e le gone go itsise morafe ka dikgang tse di amang bana ba sekole se segolwane sa Shakawe ka maduo a bone a a neng a ngomola pelo. BOKHUTLO health 6 Puso o tlotlomatsa ngwao Ngwao e ruta motho go itse le go tlhaloganya se a leng sone. E rile a bua mo moletlong wa go tsosolosa ngwao le go bula semmuso ntlo ya Setswana kwa Letlhakeng bosheng, Kgosi Puso wa Batlokwa, a tlhalosa gore ngwao ke selo se se rayang gore motho a batle gore ke mang, o tlholega kae, le gone gore ke wa letso lefe. A re motho o tshwanetse a ipelafatsa le go ithekisa mo merafeng e mengwe ka ngwao ya gagwe gammogo le go amogela se a leng sone gore botlhe ba mo lemoge botoka. O tsweletse a re teme ya motho e tshwanetse ya buiwa ka matsetseleko le lerato le legolo ka jaana e le sekao sa tshwaragano le go itlhaloganya. A re go a swabisa go bona batho bangwe ba tlhabisiwa ditlhong ke puo ya bone mme ba ikanye go bua di sele tse e seng diteme tsa bone. Kgosi Gaborone o tsweletse a bolela fa ngwao e nyelela ka monokela mme a re tlhabologo ga e a tshwanela go nna yone e e di gogang kwa pele mo go e nyeletseng jaaka fa lebega go ntse fa go lebilwe mo diaparong le dijo. A re dijo dingwe tse di tlang le tlhabologo di tsisa makoa mme tsa Setswana tsone di siame fela ka di humile dikotla le boleng jo bo siametseng botsogo jwa motho. O boletse fa ngwao ya Botswana e le monate fela thata mme e bile yo o sa e itseng a timetse le go feta. O tlhalositse gore kgaolo ya Kweneng e humile ngwao le ditsa tlholego tse di ka tshegetsang le one mohama wa bojanala go tsholetsa itsholelo ya lefatshe leno. Kgosi Gaborone a re go ruta bosetlabosheng ka ngwao go molemo mme e bile e tshwanetse ya nna boikarabelo jwa mogolo mongwe le mongwe yo a e tlhaloganyang gape a e itse ka botlalo, ka go dira jalo e tla a bo e le go bopa isago ya lefatshe le go ya pele. O kaile fa Setswana se itlotla e bile se tlotla boleng jwa motho. O akgotse morafe wa Letlhakeng go dira tiro e ka go supa fa ba batla go ikgakologelwa mo go tsa ngwao. O tsweletse a re ba seka ba inyatsa ka ba simolola, a bolela fa se e le kgatelopele e e seng kana ka sepe. O kopile gore thulaganyo e ntle e, e seka ya nna ya ntlha kgotsa ya bofelo, a kopa gore e tlhophelwe letsatsi lengwe mo ngwageng mongwe le mongwe le e tla a tshwarwang ka lone. Kgosi Gaborone a re go anyiwe kitso ya ditso le ngwao mo go ba ba di itseng go di boloka ba ise ba ikele badimong ka tsone, gonne seo e tla a bo e le go aga letlotlo le le seng kana ka sepe. O tsweletse a kopa gape gore go phuthwe didirisiwa tsotlhe tsa Setswana tse di nang le matshosetsi a go ka nyelela go bewa ka pabalesego go tla di kaelwa bosetlabosheng. Moletlo o ne o tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng “Re tsosolosa ngwao ya rona”, Letsatsi le le ne la natefisiwa ka mmino wa Setswana, maboko, dijo tsa Setswana tse di abilweng ke morafe wa Letlhakeng. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Itholo ditiro e naya benggae dithata tsa itsholelo Go ithola ditiro ga goromente yo motoa le yo mmotlana, ke yone tsela e e siameng ya go tsamaisa puso. Mafoko ao a builwe ke modulasetilo wa lekgotla la dikhansele (Botswana Association of Local Authorities) BALA, Rre Mpho Moruakagomo. Rre Moruakgomo o ne a lekodisa batsaya dikgang ka Labobedi ka dithulaganyo tse di dirwang tsa go tshwara phuthego ya lekgotla leo ka Motsheganong a le 13 go fitlha a le 15. A re ka go ithola ditiro, beng gae ba tlaa nna le sebaka sa go nna le seabe ka go ntsha megopolo le go itse ka dikgang le meamuso e e amang matshelo a bone. A re ba dumela gore dikhansele le tsamaiso ya tsone di dirwa ke batho ka gore batho ba ba amegang ke bone ba ba dirang gore di diragale. A re batho ka bongwe le morafe ba itse se ba se batlang botoka ebile ke bone ba ba ba kgonang go tsaya ditshwetso tse di ka dirwang. a re o dumela gore e le ditshaba, ba tshwanetse go letlelela batho go itsaya boikarabelo mo matshelong a bone. A re go ithola ditiro mo go siameng go ka dira gore morafe o nne le bokgoni jwa go itse gore tharabololo ya mathata a bone e tswa mo go bone. Phuthego eo e ne e na le setlhogo se se reng ‘Go ipelela dingwaga tse 30 tsa go tlhabolola tsmaiso ya dikhansele. Lekgotla la BALA le tlaa buisanya ka dikgang tse di ka tswelang Botswana mosola . O boletse gape gore jaaka e le dikhansele ba tlaa bo ba ipelela ngwaga wa ditlhabololo tsa dikhansele a tlatsa ka gore 2014 ke ngwaga wa mafatshefatshe wa go tlhabolola dikhansele mme o ipelelwa lefatshe lotlhe ka kakaretso. A re go ipela moo go kopane le dingwaga tse 30 lekgotla la BALA le ntse le tlhamilwe jaaka mmuuso o mmotlana mo lefatsheng leno. A re go ipela mo go kabo go sa bolo go tshwarwa ngwaga o simologa, mme bothata ya nna ditshwarego tse dingwe tsa setshaba jalo ga seka ga kgonega mo ngwageng o o fetileng. Rre Moruakgomo a re lentswe la dikhansele le tshwanetse go utlwala le bo le nne le seabe mo go baakanyeng seemo sa ditlhabololo tsa boditshabtshaba ka dingwaga tsa bo 2015. O boletse gape gore go santse go na le go le gontsi mo go tshwanetseng go dirwa gore mananeo a ditlhabololo a mafsthefatshe a Millenium Development Goals a diragdiwe ka a le botlhokwa mo ditlhabololong. Mothusa Tautona Dr Ponatshego Kedikilwe o solofelwa go bula moletlo oo semmuso. Go solofelwa gape gore moletlo oo o tsenwe ke baemedi ba mekgatlho e e seng ya puso go tswa mo kgaolong eno. Bokhutlo politics 7 Bogodu mo diofising tsa puso bo ile magoletsa’ Badirela puso mo khanseleng-potlana ya Palapye (PAA) ba apesitswe kobo ka letshoba ke bogodu jwa go thujwa ga dikoloi le go utswiwa ga leokwane ka dinako tsa tiro le morago ga tiro maitsebowa. Se se utlwala jaana morago ga gore badirela puso ba ofisi ya ga molaodi ba thubelwe dikoloi motshegare wa sethoboloko fa ba le mo diofising ba theogetse, bosheng. Selo se se tsentseng bodiredi tsebetsebe ya go dira tiro ya bone basa wela maikutlo. Go thubilwe dikoloi di le pedi mme ga utswiwa dibeke tsa bomme di na le madi mo teng, tiraglo e e sa tlwaelesegang mo madirelong a khansele ya Palapye. E rile a bua le lekalana la dikgang ka tsiboso eo, mothusa molaodi wa kgaolwana-potlana ya PAA Mme Tshepiso Leepo o ne a tlhagisa gore babereki ba simolole go nna ba tswela kwa ntle go tlhola dikoloi tsa bone le go kgalema fa ba bona motho yo ba mmelaelang. E ne e setse e le tlwaelo gore bogodu jwa go gopiwa ga leokone mo dikoloing tsa puso bo diragala kgapetsakgapetsa morago ga tiro matsiboa, fa magotswana ao a ne a setse a dirile selo modiro ka go kgaola terata ya khansele mme ba tsene ba gope leokwane mo dikoloing tsa puso. Mme Leepo a re jaanong mo nakong eno ba tsile ka methale ya go bula dikoloi le go utswa mo go tsone motshegare bodiredi bo le mo diofising. Ditiragalo tseo tsotlhe di ne tsa begelwa mapodisi a Palapye, gape di diragala jaana go na le badisa dikago ba ba nnang kwa kgorwaneng e e tsenang mo diofising, mme ba tlheogela bosigo le motshegare. Mo nakong eno molaodi le mokwaledi wa khansele ba bone go buisana ka kgang eo go le botlhokwa gore tsela pedi go tsewe efe ka go lebega bogodu jo bo ile magoletsa e bile bo tsaya phekelo e sele. Tsholofelo ke gore bobedi joo bo kopane le mong wa kompone ya badisa dikago go tla ka tharabololo. Mo puisanyong le mongwe wa ba-tswa setlhabelo mo dikgannyeng tseo tsa go thujwa ga dikoloi Mme Gaolatlhe Radipolese wa dingwaga tse di masome matlhano a direla kwa ofising ya ga molaodi, o tlhalositse fa ene le modiri ka ene ba tseetswe makgolo a mane le botlhano a dipula beke eno le dikarata tsotlhe tsa dibanka le boOmang. Mme Radipolese a re ka lesego, morago ga go begela mapodisi kgang, go ne ga bonwa beke ya gagwe, mme karata ya banka yone ya seka ya bonala le madi. O tlhalositse fa beke eo e bonwe kwa kgotleng ya Boseja mo Palapye e latlhetswe mo molapong, mme ya selwa ke mofeti ka tsela mme a leletsa mong wa yone ka omang a ne a le mo teng le dipampiri tse dingwe tse di neng di supa megala ya mong. Dikgang tseo tshotlhe di ne tsa begelwa mapodisi a a santseng a le mo ditlhotlhomisong. Le fa go ntse jalo molaodi o ne a gatelela gore batho ba seka ba nnela ruri mo diofising ba nne ba tswela kwa ntle go tlhola dikoloi tsa bone go fitlhelela seemo se boela mmanong. crime_law_and_justice 1 Phuthego o ja ka petlo Rre Monyombo Phuthego wa Senete ke mongwe wa Batswana ba ba sa iponeng tsapa go itirela ka diatla gore a kgone go oba letsogo le gone go tlhokomela ba lelwapa la gagwe. A re le fa puso e intshitse setlhabelo go tswelela e tla ka mananeo a go ka thusa go tlhotlhora lehuma la nta ya thogo mo Batswananeng, se ga se rebole gore ope yo o nang le bokgoni go phutha matsogo a letle fela go fepiwa. Rre Phuthego ,yo botswerere jwa gagwe bo lemogwang ke motho a tsamaya kgakala, a re o ne a tsena mo kgwebong ya go betla dingwaga tse di masome a mabedi tse di fetileng. Fa a tla simolola kgwebo e ya go betla a re one a lemoga fa a sena motswedi wa itshetso o o rileng gape a sa batle go nna mongwe wa bo atlhama ke go jese. Rre Phuthego a re botsipa jwa go betla o ne a bo ithuta kwa sekolong jaaka bane ba rutwa tiro ya diatla. Rre Phuthego o dingwaga tse di masome a marataro le botlhano, fela botlhaga jwa gagwe le go tiaa ga mmele wa gagwe di ganetsana le dingwaga tsa gagwe. Rre yo o betla didirisiwa ka go farologana di akaretsa dikika, metshe, megoma, dikgamelo tse di gamelang dikgomo, dintshwana le tse dingwe. A re tlhwatlhwa ya dithoto tsa gagwe e simolola ka masome a matlhano le dipula go ya kwa go tse di lekgolo le masome a matlhano a dipula. A re theko ya dithoto tsa gagwe e tsamaya sentle e bile batho ba supa kgatlhego e kwa godimo tebang le tsone. A re le fa malatsi a sa tle ka go tshwana, se se mo itumedisang ke gore fa kgwedi e fela o a bo a dirile makgolo a le marataro a dipula, a re seo se mo direla tiro motlhofo ka o kgona go fepa ba lwapa la gagwe. Rre Phuthego a re ka nako tse dintsi o dirisa setlhare sa morula go betla, a re le fa se thata go rengwa, sone se dira dithoto tse di sa senyegeng motlhofo gape le boleng jwa tsone bo kgatlhisa. Rre yo a re ntle le bodiphatsa tsa go tswenwa ke dihatlhi mo matlhong jaaka a betla, tiro e yone e motlhofo go ka jaana ga e tlhoke sepe se se kalo go ka e dira Kgwebo e ga se yone fela e setswerere se se ikaegileng ka yone, ke motho wa go aga, go rulela le gone go penta ga mmogo le tse dingwe ka go farologana. Rre Phuthego a re o itse thata ka mananeo a nyeletso lehuma, fela a re one a ise a ikopele dithuso ka jaana one a santse a batla go iphutlha gore e re a ikopela dithuso e bo e se tse di kalo. A re le fa a ise a ikopele dithuso se se mo itumedisang ke gore le fa a etela ofisi ya boipelego go kopa thuso tebang le kgwebo e ya gagwe o amogelwa ka tsoo pedi, sengwe se a tlhalosang gape se mo tiisa mooko. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Ba BORAVAST ba kopiwa go tlotla kgotla Kgosi wa Vaalhoek Kgosi Marea Bock o ngongoregile ka banana bangwe ba metse ya BORAVAST ba ba sa tlotleng kgotla ka go apara marokgwe fa ba ya kgotleng. Kgosi Bock o buile jalo ka Matlhatso (03/06/2015) mo tswalong semmuso ya letsholo la malatsi a le lesome a ba lekalana la Men Sector la go gasa melaetsa a ya HIV/AIDS, go nwa bojalwa phetelela le tse dingwe. O ne a supa fa kgotla e le lefelo le le tshwanetseng go tselwa kwa godimo le go tlotlwa ka e le la therisano le go lere kagiso mo setshabeng. Kgosi Bock o ne a supa fa ngwao e le botlhokwa mme e tshwanetse go fiwa seriti gore e seka ya nyelela e kaya fa batswana ba tshwanetse o gata le go kopa se batlapele ba lefatshe leno ba neng ba se dira bogologolo. O ne a bua a menne phatla ka banana bangwe ba ba itontelang dinotagi le tsosa medumo a supa fa seo se supe fa ba na le boikarabelo mo metseng ya bone ya BORAVAST. Fa a bua le ba lekalana la dikgang la BOPA modulasetilo wa lekalana la borre le le okametseng a mangwe mo lefatsheng leno Rre Tlhakakulagae Onkokame o tlhalositse fa mo malatsing a le lesome ba kgonne go fitlhelela maikaelelo a bone a go gasa molaetsa mo banning ba metse eo. Rre Lenkokame o kaile fa ba ne ba remeletse thata ka go ruta le go gasa molaetsa mo dikgannyeng di akaretsa tiriso botlhatswa ya nnotagi, mogare wa HIV le bolwetsi jwa AIDS, molao wa bana wa 2008 ka go etela dikole di karetsa sa Bokspits, Rapplespan, Vaalhoek le Struizendam go simolola ka lokwalo lwa bone go fitlha mo go la bosupa. O kaile fa go le botlhokwa gore bana ba rutwe ba sa ntse ba le bannye mo dikgannyeng di tshwana le tseo ka seo se ka thusa mo go goleng ba tlhaloganya ebile ba na le kitso. Modulasetilo mogolo o ne a tswelela ka go kaya fa ba ne ba ama gape dikgang di tshwana le go ruta banni ba metse eo ka kgokgontso ya bomme le bana, malwapa aa thubegang ,tsa tlhakanelo dikobo,le tse dingwe. Fa akgela mo dithutong tseo mongwe wa banyalani ba ba neng ba itshupa e le sekao mo go ageng lolwapa lo lo nang le kagiso Rre Petrous Bock o ne a kaya fa ba itumeletse dithuto tseo ka di ba rutile go le gontsi le gore ba tla tswelela ba gakolola le banyalani ba bangwe ka se se ka thusa thata mo go ageng malwapa aa tiileng ebile a itsetsepetse. Go le pele fa a tswala semmuso letshololo leo sebui sa tlotla sa letsatsi leo mothusa molaodi mo kgaolong ya kgalagadi Mme Peggy Kutlase o ne a rotloetsa le go gwetlha banni ya metse eo go tsaya dithuto tseo ka tlhwaafalo le go di diragatsa. Mme Kutlase o ne a supa fa kgosi ya motse oo kgosi Bock a sa itumedisiwe ke boitshwaro jwa bone mme a ba kopa go fetoga mo go nweng bojalwa phetelela le go tsosa medumo mo metseng ya bone. Mothusa molaodi o leboga thata ba Men Sector ka tiro e ntle e ba e dirileng mo kgaolong ya kgalagadi ka ba segile tema mme a kopa mongwe le mongwe le setshaba kakaretso go ema ka dinao ka go tsaya boikarabelo ka seo se ka tlisa phetogo mo matshelong a bone ka go nna le botsogo jo bo siameng. O ne a ba gwetlha go tshwaragana ka go nna seopo sengwe e le tsone tse di ka ba kgontshang gore letsholo leo le atlege jaaka maikaelelo a ba lone e le go tshwarwa ngwaga le ngwaga. Fa akgela mo go tsa metshameko e ee neng ya tshwamekwa ee aretsang kgwele ya diano ya borre le bomme, bolotloa le mabelo a dipitse Rre Petrous Vraay modulasetilo wa komiti ee rulaganyetsang mabelo a dipitse o ne a supa fa e tsamaile sentle le ntswa ba lebanwe ke kgwetlho ya go tlhoka barotloetsi ka se se dirile gore ba nne le palo ee kwa tlase ya dipitse tse di tsenelelang dikgaisano ka ntlha ya letlhoko la madi mo ngwageng ono. O ne a kopa kemonokeng mo dikomponeng tse di ikemetseng, bagwebi, puso le setshaba ka kakaretso ka seo se ka thusa thata mo o godiseng dikgaisano tseo tsa dipitse gore di nne mo seemong se se kgatlhisang jaaka mabelo a dikgaisano a dipitse a mangwe. Rre Vraay o ne a kaya fa gape barui ba palelwa ke go tlhokomela dipitse tsa bone gore ba kgone go itepatepenya le tebego ee batlwang mo dipitseng ka ntlha ya dijo tse di ba turelang ka ba di ba di reka kwa lefatsheng la Afrika Borwa. O kaile fa ba lebannwe gape ke digwetlho tsa go agelela lebala la mabelo a dipitse le gone go aga matlo a boithomelo ka seo se ka ba thusa mo direng letseno la madi le le botoka ka ba felela ba sa dire madi mo kgwaraneng mo dikgaisanong tseo. Mo ngwageng ono o kaile fa dikgaisano tseo di ne di tseneletswe ke dipitse fela dile lesome le bobedi ka palo tse di karetsang letsopa la Tswana Breed, Cross Breed le Through breed. Rre Vraay o ne a tlatsa ka go galaletsa ba khansele ya kgalagadi ka ba ba gopela lebala go baakayatsa dikgaisano, lekalana la boree la Men Sector ka thotloetso e ba e dirileng ya go abela bafenyi ba dipitse mo mabelong aa farologanyeng aa neng a tabogwa mo dikgaisanong tseo a akaretsa 600m, 800m le 1 000. BOKHUTLO education 4 Ba Okavango ba rotloediwa go kwadisa matsalo Banni ba metse e e kwa kgaolong potlana ya Okavango ba rotloeditswe go kwadisa matsalo, omang le dintsho. Se se builwe ke tona wa lephata la tsa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu, fa a simolodisa letsholo la go isa ditlamelo tsa ikwadiso kwa kgaolong eo. Tona o tlhalositse fa ba lemogile botlhokwa jwa go nna ba etela dikgaolo bogolo jang thata ba ba kgakala le ditlamelo. Tona Batshu o tlhalositse gore lekgotla la UNICEF le ba eme nokeng mo letsholong le mo ba ntshitsla eng dikete tsa dipula le di khomputara di le borataro go thusa jaaka badiredi le makgotla a ikemetseng ka nosi mo kgaolong ba tla bo ba tsena ntlo le ntlwana mo metseng e le masome a mabedi le bobedi mo kgaolong ya Okavango. “Ke lemoga thata seabe le go dira mmogo ga UNICEF Botswana jaaka ba sale ba re eme nokeng gotswa ka 2011 mo tirong e masisi e, mme le jaana ba ntse ba tshwere ka mokgwa o mongwefela.” Tona o tlhalositse fa go tlamega mo molaong wa Botswana go dira ikwadiso ya omang,matsalo le dintsho mo malatsi a beilweng. O tlhalositse fa ikwadiso e e le botlhokwa that aka di supa fa o le Motswana ka boammaruri. O tlhalositse gape gore di thusa go akola meamuso le ditlamelo tsa puso. Mongwe w aba ba neng ba sena omang rre Karuru Divavo o tlhalositse gore o itumetse fela that aka ba tliseditswe ditlamelo. O buile gore gontse go le dingalo le go bereka mo ipelegeng ka a sena omang o tlhalositse gore mabaka a go tlhoka madi ke gone go mo diileng go dira omang. Kgosi ya Motse wa Beetsha Kgosi Bonang Karundu o tlhalositse gore puso e dirile maiteko a magolo go etela metse bogolo jang thata e kgakala jaaka Gudigwa e le go tlisetsa batho ditlamelo tsa ikwadiso. O gakolotse banni ba Okavango go dirisanya le bodiredi sentle ebile a dumela fa batho ba le bantsi bat la thusiwa. society 9 Mapodisi a Kazungula a tlhotlhomisa polao Mapodisi a Kazungula a tshegeditse mosadi wa dingwaga tse di masome mararo le boferabobedi morago ga gore moratiwa wa gagwe a fitlhelwe a rapaletse mo gare ga mojako wa ntlo ya bone beke e e fetileng. Go ya ka mothusa mookamela mapodisi a Kazungula Assistant Superintendent Joseph Lepodisi, mapodisi ba ne ba amogela pego Labone yo o fetileng ya gore go bonwa monna yoo wa dingwaga tse 28 a rapaletse mo kgorong ya ntlo e a neng a nna mo go yone le mmelaelwa. O rile fa ba tsibogela pego ba ne ba fitlhela ele boammaaruri rre yoo wa Flowertown mo Kazungula a rapaletse mo kgorong ya ntlo mme ba mo ragosetsa kwa sepateleng kwa go fitileng ga tlhomamisiwa fa a tlhokafetse. Rre Lepodisi a re moswi o ne a na le ntho e e supang fa a tlhabilwe ka sengwe se se bogale. O rile le ntswa go sa itsewe se se bakileng loso lwa rre yoo, mapodisi ba tshegeditse moratiwa wa gagwe go ba thusa ka ditlhotlhomiso ka jaana ba ne ba nna mmogo mo ntlong e moswi a fitlhetsweng mo go yone. crime_law_and_justice 1 Disana o ipaakanyetsa go amogela sekole Mopalamente wa Maun Botlhaba, Rre Konstantinos Markus, o gwetlhile batsadi ba kgotla ya Disana kwa Maun go tsaya thuto ya bana ba bone ka tlhwaafalo. Rre Markus o buile seo kwa phuthegong ya batsadi le barutabana ya go tlhagolela go bulwa ga sekole se segolwane se sesha sa Maitlamo. A re batho ba Disana ba segofetse ka go agelwa sekole seo sa P127 million. Sekole seo se oketsa dikole tse dikgolwane go nna tlhano mo Maun, e bile se solofetswe go thusa go fokotsa mosuke mo dikoleng tse di ntseng di le teng tseo. Rre Markus a re go tlhoka go dira sentle baithuti go bakiwa ke go tlhoka botho, ka jalo a re batsadi ba tsennye bana ba bone leitlho ka dinako tsotlhe, le go latedisa gore dithuto tsa bone di tsamaya sentle. Go tlhoka botho ga bana, a re ke gone go bakang gore bana bangwe ba senye dithoto tsa sekole. Mothusa motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Oleyo Ledimo o ne a kopa batsadi gore ba rotloetse bana ba bone go tlhokomela sekole seo sa maemo a ntlha. Kgosi Ledimo a re bana ba gompieno ga ba na botho mme ba ka kgonwa ke go tsenya letsogo ga batsadi. Morutabana, Mme Ellen Masesane le ene o ne a tshwaela gore go botlhokwa gore batsadi ba itsalanye le bana ba bone, a re tiriso ya ditagi e atile mo baneng ba dikole tse dikgolwane, ka jalo fa batsadi ba itse bana ba bone, ba ka lemoga ka bonako fa ba dule mo tseleng. education 4 Ba Lecheng ba leboga puso Banni Ba Lecheng ba akgoletse puso mananeo a a tokafaditseng matshelo a bone, segolo jang la dipilisi tsa diritibatsi, thibelo mogare go tswa kwa go mmangwana go fetela kwa leseeng gammogo le go nna le ngaka le baoki ba pelegiso. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Kelathegile Kedidimetse o buile se a lekodisa phuthego ya kgotla kwa Lecheng bosheng. Mme Kedidimetse a re go nna teng ga motshine wa X-ray mo Palapye, go ba fokoleditse mosepele wa go ya Serowe le Mahalapye.O tsweletse a supa fa kokelwana ya bone ele kgologolo jalo e tlhoka go shafadiwa. O tlhalositse fa ngaka le baoki ba pelegiso ba imelwa ke tiro ka balebagane le metse e le supa e e mo tikologong ya Lecheng, ka jalo a re, ba tlhoka go okediwa. Mme Kedidimetse a re, ba lebanwe ke letlhoko la dikoloi, ke sone se go fapaanelwang koloi ele nngwe fela. Mme Kedidimetse o kopile gore ngaka a agelwe ntlo ya boroko, gore a nne gaufi le bone ka mo nakong eno a tswa Palapye. Fa a mokgwa kgaba, mothusa tona wa botsogo Dr Gloria Somolekae, o rile o itumelela go bo Batswana ba bona thuso ya puso, mme a supa fa letlhoko la madi ele lone le paledisang go tsweledisa ditlhabololo tsotlhe tse di tlhokegang. O tlhalositse fa ele maikemisetso a puso go fa Batswana botsogo jo bo tlhapileng e bile bo kgatlhisa, ke gone ka moo ba tlisang tlhokomelo e e tsepameng go babalela matshelo le botsogo ja setshaba ka metseletsele ya mananeo a botsogo le ditlamelo tse ba di neelwang mahala. Dr Somololekae a re, ere ntswa puso e tsweletse ka go thusa setshaba ka ditlamelo tsa mahala, bontsi bo santse bo saletse morago ka go sa itlhokomeleng mo go itlhatlhobeleng malwetse a tshwana le kankere. A re, bolwetse joo, bo jesetsa lefatshe leno mo kgobedung ka bo tsweletse ka go gapa matshelo a batho. O gakolotse setshaba go fetola ka fa ba tshelang ka teng, a re, ba fokotse tiriso ya letswai le mafura a mantsi mo dijong. O tlhalositse gape fa bolwetse jwa letshoroma le jone bo le teng mo kgaolong ya Tswapong Bokone. Mothusa tona a re, mogare o tsweletse ka go kukela, ka batho ba tlogela go nwa dipilisi tsa diritibatsi ba tsaya gore ba fodile. Fa a tsibogela dikgang tsa tiego ya ba bongaka mo go ntsheng maduo a ditlhatlhobo le tlhaelo ya melemo kwa dikokelwaneng, Dr Somolekae o rile ba tsere tshwetso ya go thapa ba Botswana Couriers go ba anamisetsa melemo mo dikokelwaneng le gone gore ba tsibogela ntlha eo ya go ntsha maduo a ditlhatlhobo ka nako go itsa go jwelelela ga bolwetse. Dr Somolekae o ne a nna le sebaka sa go etela dikokelwana tsa Lecheng le Malaka go bona bodiredi le ka fa ba tshelang ka teng le sone seemo sa melemo. Mogolwane wa baoki ba kgaolo eo Rre Cheneso Phiri yo o direlang kwa Lecheng, o tlhaloseditse Dr Somolekae gore ba tshwere ka natla go isa dithuto kwa setshabeng moso le moso pele ga ba simolodisa tiro ya letsatsi. Mo mafokong a tebogo, mopalamente wa kgaolo Rre Prince Maele o akgoletse banni ba kgaolo ya gagwe go tsibogela pitso ka dipalo tse di kwa godimo jalo. A re, seo se mo tiisa moko gape se supa fa a nale batho tota. O tsweletse a re, ke matlhabisa ditlhong gore moeng a fitlhele kgotla e sena ope. O ile a re, go tla diphuthegong tsa kgotla ka dipalo tse di kwa godimo go fa seriti, le serodumo se se kwa godimo mo go yo o ba etetseng. O ikuetse mo go mothusa tona gore le bone ba tsenngwe mo go gasediweng matlo le go fiwa dinnete tse di gasitsweng go lwantsha letshoroma, a tlatsa ka gore ga ba eletse go nna le dintsho tsa letshoroma mo kgaolong,BOKHUTLO politics 7 Mothusa tautona o simolodisa kago ya ntlo Mothusa Tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe, o simolodisitse kago ya ntlo e e tla a lopang madi a a fetang P200 000 kwa Mogapinyana. Ntlo eo ya dikamore tse pedi, boapeeelo, ntlwana le kwa go tlhapelwang teng, e simolodisiwa jaana morago ga gore ba lekalana la Round Table 64 ba tshwaragane le ba Botswana National Youth Council go tswa Gaborone ba lemoge mongwe yo o tlhokileng lesego mo setshabeng, e leng Mme Gakologelwang Mooketsi, yo o tshelang ka bogole e bile a le kobo di magetleng. E rile a rola pego mo boleng teng jwa ga mothusa tautona, modulasetilo wa lekalana leo la Round Table, Rre Kutlwano Ratshosa, a tlhalosa fa mokgatlho wa Round Table e le wa borre ba dingwaga tse di lesome le boferabobedi go ya kwa go masome a mane le botlhano, ba e bileng e le baithaopi, mme ba thusiwa thata ke dikompone le makgotla a a ikemetseng ka nosi, go tsenya letsogo mo ditirong tsa boithaopi tsa setshaba, jaaka go agela bao ba ba sa kgoneng ebile basena bonno, le ditiro tse dingwe fela ka go farologana. Mo makgotleng a a tumileng ka go ba tswa thuso, Rre Ratshosa o ne a lemoga seabe sa khamphani ya Knight Pan Africa, e e ntsheditseng kago eo ditena , a tlatsa ka gore ba ya go baya kago eo leitlho go fitlhelela e wela. Modulasetilo wa lekgotla la BNYC, Rre Metlha Mokwena, le ene o ne a latlhela la mmotlana, a supa fa maikaelelo a bone ele ba lekgotla la banana, a 2010, a ba tlama go emelana le dikgwetlho tsa diemo tsa go tshwana le tsa go fa motho seriti sa bonno. A re ga ba dire jalo ka bana le madi mme ba dira ka lerato, morago ga go lemoga fa batho re sa lekane rese meno. Fa a tswa la gagwe, Dr Kedikilwe, o ne a re go molemo jang fa gona le bao ba ba lemogang botlhoki jwa ba ba bangwe mme ba bo tsibogele ka go ikanapa go ba tswa thuso. A re ga gona sepe se se molemo segolo bogolo gona le gofa motho seriti ka bonno. O kaile fa Round Table e le mokgatlho o o emeng ditlhabololo tsa lefatshe leno nokeng, mo ditirong tse difarologanyeng; a supa fa e se lantlha ba dira tiro ya go tshwana le e. Fa itebaganya le Mme Mooketsi, o mo tlhaloseditse fa a tshwanetse go lemoga bao ba ba mo nayang seriti sa botshelo, mme ka jalo a ikamogela a bo a nne le tsholofelo ya gore bangwe ba aga serodumo le bokamoso jwa gagwe. A re o ka lemoga seo ka go sa inyatsa mme a ipopa go itirela bokamoso. “Rele Batswana re morula wa kgothi ele nngwe, a re direng tshiamo, kagiso, lerato, neelano, popagano le tomagano ya setshaba; re nne seopo sengwe mme re utlwalaneng botlhoko.” Mothusa tautona a kgothatsha. Mothusa tautona one a nna le sebaka sa go jwala setlhare, a bo a supegediwa moalo wa ntlo eo le gone go phetsola mmu, ele gone jaaka a simolodisa kago eo. Fa a tswa la gagwe Mme Mooketsi, wa dingwaga tse di masome a mane le borataro, o ne a kaya fa a itumetse thata go feta selekanyo. Mme Mooketsi ona le bana ba le babedi; mosetsana le mosimane le ngwana a ngwana . O ne a tlhalosa fa ele mosigi e bile a roka; tiro e a rileng o ka itshetsa ka yone fa a ka bona letlapa. economy_business_and_finance 3 IEC e rutuntsha bontlhopheng Mogolwane wa lekgotla le le tsamaisang ditlhopho la IEC kwa Boteti, Rre Gaolopelwe Ketlogetswe, a re go botlhokwa gore bontlhopheng ba tlhaloganye tsamaiso ya ditlhopho. Rre Ketlogetswe o buile jalo kwa thuto puisanong ya bontlhopheng ba kgaolo ya Boteti Bophirima kwa Rakops bosheng. O boleletse bontlhopheng ka tse di tlhokwang ka nako ya go isa maina a bontlhopheng. Rre Ketlogetswe a re ntlhopheng o tshwanetse gore a bo a na le lekwalo lele supang gore o romilwe ke phathi efe e bile gape a na le batho ba robabongwe baba mo tlhophang mme ba le teng mo kgaolong eo. A re ba tshwanetse go saena pampiri e na le maina a bone, nomoro ya Omang, ya ditlhopho, aterese, leina la kgaolwana le kgaolo e ba ikwadisitseng kwa go yone. Rre Ketlogetswe a re letsatsi la go isa maina a bontlhopheng ke gompieno. O tlhalositse fa go sena ntlhopheng yo o tlaa rurifadiwang a sa ntsha pampitshana e supang dituelo tsa peeletso ya P500 wa palamente kana P100 wa khansele. Rre Ketlogetswe a re batsamaisi ba ditlhopho ga ba na go letlelela tlhopho ya ntlhopheng fa sa supa tse molao o di lopang mo go ene. A re fa tsamaiso ya go isa maina a bontlhopheng e sena go wela, batsamaisi ba ditlhopho ba tlaa phatlalatsa mokwalo oo supang maina a ntlhopheng, mafelo a bone, sekano le mebala ya phathi. Mokwaledi wa lephata la kabo ditsha ya Rakops, Rre Mudongo Matenge, o ne a rotloetsa bontlhopheng go bala le go tlhaloganya mokwalo oo supang tse di tlhokwang mo tsamaisong ya ditlhopho gore ba seka ba kgopekgopetsana le tsamaiso ya ditlhopho. Rre Matenge o ne a leboga IEC ka thulaganyo ya go rutuntsha bontlhopheng gore botlhe ba itse tse ditlhokwang. politics 7 Mabutsane o lela ka tsela Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Mabutsane, Mme Keagisitse Mokgatle o kopile gore motse o direlwe tsela ya sekontere ka jaana ya ditena e sa lekana. O kopile jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi kwa Mabutsane ka Labobedi. A re le ntswa ba lebogela maiteko a puso a go ba direla tsela ya nama o sa tshwere, ba bete se molangwana ka jaana e sa itebaganya le seemo sa motse wa bone. O boletse fa Mabutsane a na le motlhaba o montsi, ka jalo tsela e o e tlaa khurumediwa ke mmu ka nako ya dipula. Mo dikgannyeng tse dingwe, Mme Mokgatle o kopile gore ba agelwe mapalamelo a dibese. A re mo bogompienong, dipalangwa tsa setshaba di emelwa fa kgotleng ka jaana go sena fa di emang teng. E rile a mo kgwa dikgaba, mothusa tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse, a tlhalosa fa e le boammaaruri gore Mabutsane o tlhoka tsela ya sekontere. Le fa go ntse jalo, a re puso e bone go le botoka go dira tsela ya ditena ka jaana yone e le tlhwatlhwa e kwa tlase. A re letlhoko la madi ke lone le le dirileng gore go agwe tsela ya ditena. Rre Autlwetse o ne a kopa morafe go nna pelotelele fa puso e santse e batla madi. A re maikaelelo ke go dira gore ditsela di tsamaege ka dikoloi tse di farologanyeng, pele ga go ka sekasekwa ditlhabololo tse dingwe jaaka dipone tsa mekgwatha. Mo go ya maemelo a dibese, mothusa tona o ne a tlhalosa fa setsha se setse se beilwe, mme ikopelo ditiro e tlaa dirwa pele ga ngwaga ono o ya fifing. A re maikaelelo ke go a dira ba a kopanetse le bagwebi ba ba ikemetseng, mme tsholofelo ke gore a tlaa simololwa ngwaga o o tlang. politics 7 Mokgadi o akola maduo a bopelotelele Mme Sarah Mokgadi ke mongwe wa banana ba ba neng ba tsaya ka tlhoafalo lenaneo la puso le le thusang banana ka madi go simolola dikgwebo tse di potlana. O tlhalositse fa a ne a nna pelotelele mo nakong e a neng a batla thuso mo lephateng la banana, metshameko le ngwao gore a kgone go simolodisa kgwebo ya go roka diaparo ka botlalo. O supile fa lephata le ne la mo tla matshediso ka P96 700. “Madi ao a ne a nthusa go reka didirisiwa, bogolo jang metshine e e rokang e le merataro, tafole le mo ke beelang diaparo tse di rokilweng le didirisiwa tse dingwe mo teng,” o tlhalositse jalo. Mme Mokgadi, yo o dingwaga di masome mararo le motso, a re o ithutile go roka kwa sekoleng sa tiro ya diatla sa kwa Borolong kwa Pitsane, mme a fetsa ka 2010 ka setlankana sa National Craft Certificate. O supile fa pele ga moo a ne a sa tsenelela thata mo tirong ya go roka ka a ne a sa dira dithuto tsa Fashion and Fabrics kwa sekoleng se segolwane sa Molefi kwa Mochudi. Kgatlhego ya gagwe e ne ya simolola morago ga gore a roke digaretene ka a ne a dira dithuto tsa Home Management. “E rile fa ke sena go fetsa sekole kwa Borolong ka simolola go roka fela mo lapeng ke dirisa motshine wa mo lapeng. Ke ne ke rokela batho ka go farologana, bogolo jang ba ba neng ba itse fa ke tswa go ithutela go roka. Mme e rile ke sena go bona thuso ya madi ke ne ka atolosa mo ke ileng ka kwadisa le leina la kgwebo la Sew Wise Fashions,” o tlhalositse jalo. A re mo nakong ya gompieno o roka diaparo tsa manyalo le tsa batho ka bongwe ka bongwe, mme pele ga moo o tshwantsha se a batlang se rokwa gore moreki a kgotsofalele tebego ya sone. O ne a supa fa kgwebo e le ntsi fa ngwaga o ela go fela ka ba kgona go nna le bareki ba le masome mane mme fa go se na sepe se se kalo ba ka nna lesome le boraro. O ne a supa fa a thapile mmereki a le mongwe go thusa mo kgwebong ka gore fa a ka ipolaisa tiro boleng jwa dilwana tse a di rokang bo ka ya tlase. Mme Mokgadi o ne a tlhalosa fa a tsenelela dikgaisanyo tsa malatsi a ga Tautona tsa baroki mme monongwaga a tsere maemo a ntlha mo kgaolong ya Kgatleng. O supile fa di le botlhokwa ka di mo fa sebaka sa go ithuta mo go ba bangwe, go tokafatsa boleng jwa diaparo le go tokafatsa botsipa jwa go roka. economy_business_and_finance 3 Tlhokomelo ya bana e ka fokotsa borukutlhi Tona wa ofisi ya ga Tautona le bodirela puso e bile e le mopalamente wa Moshupa, Rre Mokgweetsi Masisi, o kopile borre gore ba tlhokomele bana ba bone, ba se ka ba imetsa bommaabo. Rre Masisi o buile se fa a simolodisa tiriso ya diphala tse di tlhabang mokgosi, kwa Moshupa mo bekeng e e fetileng. A re fa borre ba sa tlhokomele bana go ka dira gore bommabana ba imelwe ke go ba kgalemela, go ba tlhokomela le go ba laola, a re se se ka dira gore bana ba go nna jalo ba fetoge dirukutlhi. Rre Masisi a re ba tshwentswe ke borukutlhi a bo a re kgaolo ya gagwe e dikile e di goga kwa pele mo dikgannyeng tsa borukutlhi, bogolo jang motsana wa Ralekgetho, o mo go one batho ba neng ba bolaya ba bangwe ba bo ba ipolaya. O bile a kopa dikgosi gore fa ba nyadisa ba ne ba bua le banyalani ba ba kopa gore ba ye go tshedisana sentle, go fokotsa ditlamorago, tse di akaretsang borukutlhi. A re fa borukutlhi bo ya kwa godimo, bagwebi ba tlaa tshaba go bula madirelo, ka jalo diphatlha tsa ditiro di ye tlase. A re bana ba tshwanetse go otlhaiwa ka thupa, a bo a tlhalosa gore ngwana fa a otlhaiwa sentle ka thupa ga go na mathata. Rre Masisi a re molato ke fa ngwana a tshedisediwa mo thupeng a re ngwana wa go nna jalo o kgona go fetoga seganana. Mopalamente o ne a supegetsa batsena moletlo oo kopi le setlankana se mapodisi a Moshupa a se ikgapetseng, e le sesupo sa gore ba gaisitse mapodisi a kgaolo yotlhe ya borwa. Mogolwane wa mapodisi a Moshupa, Assistant Superintendent Michael Maphephu, a re ba bone go tshwanela gore ba tlhabe mokgosi ka ba ne ba bona borukutlhi bo tsaya phekelo e sele mo kgaolong ya bone. Superintendent Maphephu a re kwa motseng wa Moshupa, batho ba tseelwa ditsabone ka go tsenelelwa mo matlong ba ntse ba le teng fa ba bangwe ba phamolelwa dibeke ba fologa mo dipalamong tsa setshaba. A re ba dule ka mogopolo wa diphala ba bona e re batho ba kuwa go bo go sena yo o ba tswang thuso, a bo a kopa badirisi ba diphala tseo gore ba se ka ba di letsa go sena lebaka. Superintendent Maphephu a re phala e mosola fela thata fa batho ba e dirisa ka fa tshwanelong, a re go botlhokwa gore batho ba dumalane mo dikgotleng gore ya bone e tlaa lediwa jang. Modulasetilo wa komiti ya twantsho borukutlhi, Rre Otukile Tsalaile o ne a lebogela gore borukutlhi bo wetse tlase. BOKHUTLO education 4 Ba Kazungula ba bifela kgokgontsho ya bomme le bana Mapodisi ba tshwaragane le lephata la ipabalelo tseleng kwa Tsabong ba rotloeditse bakgweetsi ba dipagamo tsa setshaba go sala morago melao go hema dikotsi le go babalela matshelo a batho. E rile a buisa bokopano bosheng, mogolwane go tswa kwa lephateng la dipalamo le ipabalelo tseleng, Rre Tawana Babili a tlhalosa fa ofisi ya gagwe e tshwenngwa ke dingongora go tswa mo setshabeng gammogo le masepodisi ka go tlhoka go salwa morago ga melao mengwe ke bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba. O ne a gakolola phuthego gore go pega setshaba ke kgwebo, ka jalo beng ba dikgwebo tse ba tshwanetse go netefatsa gore setshaba se babalesegile fa se dirisa dipagamo tsa bone. Rre Babili yo gape e leng motlhatlhobi kwa lephateng leo, a re magodu a dirisa dipagamo tsa setshaba go utswa le go sia, mme a gakolola phuthego gore fa ba lemoga seemo se se belaetsang, ba itsese ofisi ya sepodisi eseng jalo ba tlaa lejwa jaaka ba-na-le seabe mo borukutlhing jwa go nna jalo. O tsweletse a kgothatsa bakgweetsi ba dikoloi tsa setshaba go nna phepa le go phepafatsa dikoloi tsa bone go babalela botsogo jwa setshaba. Rre Babili a re dikoloi dingwe di dirisa dithaere tse di onetseng, mo go oketsang kgonagalo ya dikotsi, mme a ba rotloetsa go fetola dithaere tse di onetseng go hema dikotsi. Rre Babili a re e le ba lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng ba lemogile fa batho bangwe ba kopa diteseletso tsa ditaxi, mme go tsweng foo ba di rekise. “Seemo se ga se ka fa molaong. Ope yo o ka fitlhelwang a dira jalo o tlaa tseelwa dikgato tse di gagametseng,” ga bua jalo Rre Babili. O bile gape a rotloetsa bakgweetsi go bala le go tlhaloganya melao ya dipalamo. Fa a latlhela tlhware logonnyana, modulasetilo wa komiti ya bakgweetsi ba dipalalamo tsa setshaba, Rre Mooketsi Sephiri a re e le bakgweetsi ba dikoloi tsa setshaba ba ngongorega ka dikoloi tse di senang teseletso, mme di pega batho. A re seemo seo se ba itsa go bona letseno, ntswa ba leka go dira se se mo molaong wa tsela. O ne gape a supa bakgweetsi bangwe ka ene ka monwana a re ba itlhokomolosa dinako tse di beilweng tse ba tshwanetseng go emelela ka tsone. Rre Sephiri o supile gore go sa tsamaeng ka nako go baka tiego mo go ba ba tlang kwa morago, ga mmogo le ketsaetsego mo setshabeng mme a kopa ba ba lebaneng go tsibogela seemo ka bonako. Rre Lyon Nthebolang, yo e leng mogolwane kwa lephateng la dipalamo le ipabalelo tseleng ene o kgothaditse bakgweetsi go nna seopo sengwe fa ba tla ka megopolo. O ne a gatelela molaetsa wa ipabalelo tseleng ka go obamela melao ya tsela. Pele ga moo o ne a rotloetsa bakgweetsi go dirisa seelo sa dituelo se se beilweng ke ba lephata la gagwe go itsa ketsaetsego mo setshabeng. Rre Nthebolang o ne a tlatsa ka go rotloetsa bakgweetsi go godisa dikgwebo tsa bone ka go obamela melao ya tsela le go netefatsa fa setshaba se babalesegile ka dinako tsotlhe.BOKHUTLO health 6 Ba Tlokweng ba ipelela ngwao Ngwao e kopanya merafe ebile go botlhokwa gore e lemogiwe gore banana bogolojang ba ba tswang kwa tlase ba kgone go e ithuta. Mothusa modulasetilo wa Batlokwa Development Trust e eeteletseng pele go rulaganyetsa letsatsi la ngwao la Batlokwa Rre PhilipMatsetse, o tlhalosise mo potsolotsong gore ka Matlhatso ba tlaatshwara letsatsi la Batlokwa la go ipelela ngwao mme moono wa letsatsi leo e le“Ngwao Pinagare.” Rre Matsetse o tlhalositse famaikaelelo a letsatsi leo la ngwao la Batlokwa e le go tsosolosa ngwao yaSetlokwa le go ruta banana ba Batlokwa le setshaba ka kakaretso ka ngwao yaSetlokwa, mme letsatsi leo le tshegediwa ngwaga le ngwaga ka kgwedi ya Phatwe. O boletse fa letsatsi leo langwao le tlaa tshwarelwa kwa kgotleng kgolo ya Batlokwa, a re letsatsi leo legwetlhilwe ke gore ba ne ba lemoga gore kwa ntle ga letsatsi leo ngwao yaSetlokwa e ka nyelela ebile ba lebile gore go na le dilo di le dintsi tsa ngwaotse di sa tlholeng di dirwa ka jalo fa go sena letsatsi la ipelelo ngwao di a A re fa ngwao e sa lemogiwebanana bogolo jang ba ba tswang kwa tlase ba tla tlhoka go itse ngwao ya bonele gone gore e teng ba bo ba tseela gore Batswana ka kakaretso ga ba na ngwao. O tlhalositse fa letsatsi lago ipelela ngwao le le botlhokwa thata ka le neela morafe seriti ebile le thusago kopanya borara jwa Batlokwa ba ba mo Botswana ka bophara le ba ba kwaAferika Borwa gammogo le Lesotho. A re mongwe le mongwe o aamogelesega go tsenelela letsatsi leo go tla go ithuta go le gontsi ka ngwao ya O boletse fa monongwaga ba laleditseditlhopha tsa mmino go tswa ntlheng tse dingwe tsa lefatshe leno jaakasetlhopha sa Mogobane kwa Ramotswa, setlhopha sa Mafitlhakgosi go tswa kwa Naledi gammogo le setlhopha sa Culture Spears le tse dingwe. Ditiragalo tsa letsatsi di tlaa akaretsa mmino, maboko, metshameko ya Setswanaka go farologana le go supa disupiwa tsa ngwao arts_culture_entertainment_and_media 0 Tona o tsweletse ka go ruta Batswana Tona wa lephata la tsa Merero ya Setshaba, Boagedi le tsa Bong, Rre Edwin Batshu o tsweletse ka go tlhatlhelela setshaba ka melawana e e tsamaisang ditirelo tsa lephata la gagwe. E ne ya re bosheng, Rre Batshu yo gape e leng mopalemente wa Nkange a buisa phuthego ya kgotla kwa Mosojane mo kgaolong ya Tati Bophirima, kwa a neng a itsese banni fa go le botlhokwa go itse le go tlhaloganya melawana ya lefatshe leno gore ba kgone go e diragatsa le go e obamela ka fa go solofetsweng ka teng. Rre Batshu a re e ne ya re lefatshe leno le tsaya boipuso ka 1966, tshaba ya ikgethela go nna tshaba e e boifang Modimo e bile e obamela melao e e tsamaisang lefatshe leno gore go nne le kagiso. A re ka jalo mongwe le mongwe o tshwanetse a tlhaloganya matshego a le mararo a lefatshe leno le ikaegileng ka one, e leng palamente, boatlhodi le batsamaisi, a supa fa matshego ao e le one a netefatsang gore lefatshe leno le nna le kagiso. Tona Batshu a re o bona go le botlhokwa gore a itsese batho ka ditirelo le ditsamaiso tsa lephata la gagwe gore ba nne le kitso e e ka ba kgontshang go diragatsa tse di tshwanetseng. O ne a tlhalosetsa banni ka melawana ya tsa mesepele, boagedi, bong, kwadiso ya dintsho, matsalo le manyalo ga mmogo le Omang. A boletse fa molao o patika gore go kwadisiwe ka fa molaong leso lengwe le lengwe le le diragalang mo malatsing a le masome a mararo, a tlatsa ka go re ngwana mongwe le mongwe yo o tsholwang le ene o tshwanetse a kwadisiwa le go direlwa setlankana mo malatsing a le masome a marataro. Rre Batshu a re kwadiso eo, e botlhokwa ka e thusa puso mo ditogamaanong tsa ditlhabololo tsa lefatshe le go baakanyetsa bana bokamoso go itebagantswe le ditirelo di tshwana tsa thuto, botsogo le tse dingwe. Mo go tse dingwe, tona o kopile batsadi go direla bana ba ba digelang dingwaga tse di lesome le borataro Omang, ka Omang e le ene lotshwao le selotlolo sa botshelo jwa Motswana mongwe le mongwe. A re Omang o tshwanetse a dirwa mo malatsing a le masome a mararo ngwana a sena go digela dingwaga tseo. Tona o tlhaloseditse banni gore bagolwane ba lephata la Omang ba filwe dithata tsa go reetsa le go sekaseka dikgang dingwe tse di ka tswang di bakile gore motho a bo a diegile go dira Omang mme dingwaga tsa gagwe di wetse, fela a gatelela botlhokwa jwa gore mo kwadisong nngwe le ngwe ba tshwanetse ba neela badirelapuso dipego tsa buamaruri go itsa ketsaetsego mo isagong. Rre Batshu o ne a gakolola banni go babalela dibukana tsa bone tsa mosepele le dikarata tsa Omang go itsa gore di wele mo diatleng tse e seng tsone. Banni ba Mosojane ba ne ba leboga Rre Batshu go bo a iphile matsapa a go ba etela, bogolo jang ka e bile go na le bangwe mo motseng ba ba senang Omang ka mabaka a a farologaneng. Ba ne ba kopa puso go sekaseka molawana wa gore e re fa motho a batla go dira Omang kgotsa a ntshafatsa, go bo go twe o ka supelwa fela ke motho yo o mo fetang ka dingwaga tse some, ba supa fa selo seo se baya batho ka fa mosing ka jaana ba felela ba nna ba sena boOmang mme go se sepe se ba ka se dirang ntle le Omang. BOKHUTLO society 9 Kgokgontsho ya masea e a tshwenya Le fa ntswa go tlwaelesegile gore bana ba ba amanang le kgokgontsho ke ba ba tsenang dikolo, masea a leng gone a tsholwang a kgokgontshiwa ke batsadi ka go itlhokomolosa boikarabeo jwa bone. Se se builwe ke Kgosi ya Zoroga mo kgaolong potlana ya Tutume, Rre Thomas Modiro kwa pitsong ya botsogo ka Labotlhano. O supile fa a tshwenngwa ke kgokgontsho phetelela mo maseeng a dingwaga tse di fa gare ga kgwedi tse di borataro go ya ko tlase. O supile fa batsadi bangwe ba tlhola ba belege bana motshegare otlhe ba tlhotlhoma le malwapa a rekisang majwala a Setswana, fa bangwe ba tsamaya maitiso ka bone. A re batsadi ba mofuta o, ga ba neele bana lorato ka ba nna mo modumong le dino tagi. “Tshwanelo ya ngwana ke go tshelela fa gare ga ga rraagwe le mmaagwe e seng mongwe le mongwe,” go buwa Kgosi Modiro. A re bana ga ba kgone go tshwaragana le batsadi ba bone le ba bangwe ba losika ka ntlheng ya gore ba tlhola fela mo nageng. A re mokgwa wa go nna jaalo o dirwa ke batsadi fa pele ga batsadi ba bangwe. Kgosi Modiro a re batho ba latlha ngwao ya bone ka ba itebatsa meila ya botsetse mo ba kgonang go tlogela lesea le bana ba bangwe mme bone ba ye go tlhola ko ba tlholang teng. “Ngwana ga a kake a tlhokomela ngwana yo mongwe ka a sa itse gore o tshwanetse go mo direla eng gape a seka a dira eng,” go tlhalosa Kgosi Modiro. O rotloetsa batsadi go ema ka dinao go lwantsha seemo se gore bana ba gole gore banne le botshelo jo bo tokafetseng. A re batsadi ba tshwaragane go tswa ka maele a go leka go lwantsha seemo seo ka go tla babalela bokamoso ja lefatshe leno. Fa a mo tlatsa mookamedi mogolwane wa tsa itekodiso ko kokelong ya Gweta, Mme Yvonne Mokandla a re kgokgontsho ya lesea e simolola fela ka tikologo e ngwana a tshelelang mo go yone jaaka go mo apesa diaparo le go mo fa dijo. A re go tlhoka go mo direla jaalo go ka dira gore ngwana a gole a sa itse gore se se molemo ke sefe. A re tikologo ya dino tagi ga e a babalesega mo botshelong jwa ngwana ka e tla dira gore a seka a itse tshiamo ka a ithuta mo bathong ba ba mo tikologong ya gagwe. A re gape se se dira gore ngwana a seka a bona dijo sentle mme go dire gore dikotla tsa ngwana di nne ko tlase. Mme Mokandla a re batsadi ba itshekatsheke ba dirise meila ya bogologolo mo botsetseng gore ba tlhaloganye gore ke eng motho a tshwanetse go bewa botsetse. A re meila eo, e ne e sireletsa ngwana gore go seka ga nna ope yo o tswang ko ntle go ka tsenya ngwana bokoa. O tladitse ka go supa matshwenyego a batho ba e leng gone ba tsenelelang lenaneo la diritibatsi tsa mogare wa HIV/AIDS. A re bangwe ba a tlodisa, bangwe ga ba tle ka nako mme se se dire gore mmele o nne motlhofo go ka gatelelwa ke mogare. A re ba itemogetse go runya ga malwetse a sa tshelanweng a a tsayang botshelo e bong kankere ya lebele, ya molomo wa popelo le ya borre ya kgeleswa. A re malwetse a, a bakiwa ke go fetoga ka fa batho ba tshelang ka teng, fa mo gongwe go dirwa ke dijo tse batho ba di jang tse di tlhotlhilweng. O rotloetsa batho go ithatlhoba ka nako gore ba kgone go thusiwa malwetse a ise a ba gatelele. Bokhutlo society 9 Leepile o tlaa fitlhwa kwa Digawana Mokhanselara wa pele, Rre Joseph Leepile, o tlaa fitlhwa kwa Digawana kwa kgaolong ya Borwa ka Tshipi. Se se rurifaditswe ke monnawe moswi, Rre Edwin Leepile, mo potsolotsong ka Labone. Rre Leepile, yoo dingwaga tse 72, o tlhokafaletse kwa kokelong ya Athlone kwa Lobatase kgwedi eno e tlhola malatsi a mane morago ga go lwala ka bokhutshwane. Rre Leepile o tlhalositse fa mogolowe a simolotse dithuto tsa gagwe tse dipotlana ka ngwaga wa 1957 kwa sekoleng se sebotlana sa Digawana, mme a ya go di tsweledisa kwa sekolong se sebotlana sa Logonono kwa Kanye. Moswi o a ne a tsweledisa dithuto tsa gagwe kwa Kanye Higher Primary School go fitlha ka ngwaga wa 1962, mme go tsweng foo a ya go dira dithuto tse di kgolwane kwa sekoleng se segolwane sa Seepapitso go fitlha ka ngwaga wa 1966. Fa a sena go wetsa dithuto tsa gagwe moswi o ne a thapiwa ke lephataa la tepo loapi kwa Gaborone ka ngwaga wa 1967, mme a direla mo lephateng leo go fitlha a tlogela tiro ka bogodi ka ngwaga wa 2003, a tshegeditse maemo a chief technical officer. Monnawe moswi a re, e rile go tlogeleng tiro, Rre Leepile a inaakanya le tsa sepolotiki ka boloko jwa Botswana Democratic Party (BDP), mme ya re morago ga ditlhopho tsa setshaba tsa ngwaga wa 2004, ya nna mokhanselara yoo itlhophetsweng ke tona go fitlha ka ngwaga wa 2009. E rile ka ngwaga wa 2009, moswi Rre Leepile a emela ditlhopho tsa setshaba e ntse e le ka boloko jwa phathi ya BDP, mme a di fenya, ke fa a nna mokhanselara wa kgaolwana ya Mogojogojo go fitlha ka ngwaga wa 2014, phenyo e eneng ya mo tlhatlosa maemo, ka jaana a ne a tlhophiwa go nna modulasetilo wa khansele potlana ya Good-hope. Go tlhalositswe gore kwa ntle ga sepolotiki, moswi ene ele motho yo o ratang go rua, gape a rata moopelo. Moswi o tlogela, mosadi, bana ba le barataro, borre ba le bane, bomme ba babedi, le batsalwa-nae ba le bane. society 9 Tiego ya pula e seka ya nna seipato molemisi Motshwarelela mogolwane wa balemisi mo kgaolong ya Mahalapye, Mme Motlapele Phetlo, a re beng ba ditshukudu tsa temo ga ba tshwanela go dirisa tiego ya go tlhoka gona ga pula ka nako e le seipatlo sa go tlhoka go lemela Batswana jaaka puso e eletsa Mme Phetlo o boletse mo potsolotsong gore beng ba diterekere ba tshwanetse go diragatsa lenaneo la ISPAAD jaaka go solofetswe gore batho ba kgone go ntsha dijo tse di lekaneng tse e bileng di ka ba direla dipoelo. A re le fa pula e ka tsaya lebaka go phaila, balemisi ba ya go diragatsa maikaelelo a puso a go lemela batho ka ditselana le go dirisa menontshane gore Batswana ba dike ba nnile le tlhobo e nametsang. O tsweletse ka go tlhalosa gore ba ba tla ganang go lema ka ditselana, puso ga e na go ba duela ka jaana ba tla bo ba sa diragatsa maikaelelo a lenaneo la ISPAAD le maikaelelo a lone e leng go rotloetsa balemi go ntsha dijo tse di lekaneng gore lefatshe le no le emisa go ikaega ka go reka dijo kwa mafatsheng a mangwe. A re mo nakong ya gompieno lephata la temo-thuo le santse le abetse kgaolo ya gagwe diterekere tse nne (4) mme a bolela fa nngwe ya tsone e sa tlhole e bereka ntateng ya go se nyega. Mme Phetlo o rile ele ba lephata la selemise ba tshwenngwa ke batho ba eyareng ba sena go lemelwa ka dithuso tsa mmuso ba phuaganye masimo a bone goya go ikwadisa mo lenaneong la Ipelegeng, mme a re batho ba go nna jalo ba tla tseelwa dikgatlo tse di maleba. Mothusa modulasetilo wa lekgotla la beng ba diterekere Rre Lesego Baruti a re le fa ele keletso ya Puso gore batho ba lemelwe ka ditselana se be sa phiri ke tlhaelo ya di dirisiwa tsa temo ditshwana diterekere, megoma, dipolantara le go tlhoka go phaila ga pula ka nako e tshwanetseng. Rre Baruti o boletse fa lenaneo la ISPAAD le ka ntsha maduo a nametsang fa balemi,balemise le beng ba diterekere ba ka dirisana mmogo le go sala ditsamaiso tsa lenaneo la ISPAAD morago. A re go tlhoka go lemela batho sentle ga beng ba ditshukudu tsa temo, go tlhoka go duela beng ba diterekere ka nakoga balemise, go tlhoka go ntsha mhero mo dijwalong ga balemi le go lesa loruo le senya mo masimo ke dingwe tse di kgoreletsang maiteko a Puso a go rotloetsa Batswana go ntsha dijo tse di lekaneng. Mabapi le beng ba diterekere bangwe ba go bolelwang ba lopa balemi madi a peeletso ka maikaelelo a go reka lookwane Rre Baruti o kopile botlhe ba ba dirang jalo go emisa mokgwa wa go nna jalo ka a re seo ke goja balemi mogantlho ntswa Puso e ba duelela. Bokhutlo society 9 Puophaa e bega komiti kgolo Mokwaledi mogolo yo mosha wa Botswana National Front (BNF), Rre Moeti Mohwasa, o lebogetse maloko a pele a komiti kgolo ya phathi eo tiro ya bone e ntle. E rile a bua kwa phuthegong ya babega dikgang ka Labotlhano, Rre Mohwasa a re boeteledipele jwa nako e e fetileng jwa BNF bo tlaa tswelela bo ba ema nokeng O ne gape a ba tlhomamisetsa gore boeteledipele jo bosha jwa BNF, ja ga Rre Duma Boko a thusiwa ke Rev Prince Dibeela bo tlaa tlhomamisa gore phathi eo e nna e tsepame, e sa tswe mo tseleng. A re Puophaa e dule kwa Francistown e bopagane. Mme fa bangwe ba ne ba gopola gore BNF e kgologolo ya makgamu e boile, fela ka go ne go na le dipharologano fale le fale tsa megopolo, bogolo jang ka nako ya ditlhopho, batho ba ka solofediwa fela gore e ne le jone bothatanyana fela mme sengwe le sengwe se tsamaile ka thelelo. Ka one mabaka ao, a re seabe sa BNF mo kopanong ya diphathi ya Umbrella for Democratic Change le diphetogo tse e di dirang mo kopanong eo, e tlaa bo e le tse dikgolo thata. Phuthego eo e ne ya tshwarwa ka malatsi a boitapoloso a ga Tautona kwa Francistown, go tlhopha boeteledipele jo bosha. Phuthego eo gape e ne ya dirisiwa go rolela babegadikgang maloko a masha a komitikgolo. politics 7 Motlobo wa dibuka o fetola matshelo a batho Motlobo wa dibuka kwa Lentsweletau o tsweletse ka go tsisa pharologanyo mo matshelong a banana ba koo gammogo le metse e e mabapi. Moithaopi kwa motlobong oo, Mme Charity Dikoko a re motlobo o, o ka fa tlase ga boeteledipele jwa komiti ya ditlhabololo tsa motse, mme o na le dingwaga di feta masome a mararo o ntse o tsweletse sentle. A re ntswa motlobo o o na le dingwaga o ntse o le teng, o ne o sena ditlamelo ka bontsi. O ne o na le dibuka fela gape o sa dirisiwe thata. “E ne ya re bosheng wa tokafadiwa go nna le ditlamelo tsa maranyane le metshameko fela jaaka metlobo e mengwe,” Mme Dikoko a tlhalosetsa BOPA mo potsolotsong. A re motlobo o dirisiwa ke banana ba motse oo ga mmogo le metse e e mabapi jaaka Medie, Dikgatlhong, Kgope le Kweneng. O tlhalositse fa motlobo o, o na le dikamore di le tharo ebong ya dibuka le dikhomputara, ya metshameko le dithuto tsa bana ba dikole tse di kwa tlase ga mmogo le kamore e e beelang dilwana. “Motlobo o, o mosola fela thata ka banana ba sa tlhole ba latela ditlamelo tsa maranyane kwa toropong jaaka pele, mme ba kgona go ikopela ditiro motlhofo le ka bofefo mo maranyane a,” a tlhalosa. A re seo, ke sesupo sa gore motse o a gola ebile o tlhabologile go tshwantshanngwa le nako e e fetileng. Mme Dikoko a re motlobo o, o ntshitse banana mo mekgwatheng ka ba dirisa maranyane go batla ditiro, dipatlisiso le go bapatsa dikgwebo tsa bone. A re mosola o mongwe wa motlobo ke gore banana ba nna le sebaka sa go ithuta go dirisa dikhomputara, a supa fa a lemogile fa go ne go na le ba le mmalwa ba ba neng ba sa itse go di dirisa. Mme Dikoko a re banana ba nnile le sebaka sa go ithuta go tshameka metshameko ka go farologana e tshwana le Chess e go lebegang ba e rata thata. A re bana ba dikole tse di kwa tlase le bone ba nnile le sebaka sa go ithuta metshameko ya setso e tshwana le morabaraba, diketo le e mengwe. Le fa go ntse jalo a re motlobo o, o lebaganwe ke dikgwetlho di le mmalwa jaaka tlhaelo ya bodiredi. A re mo nakong ya gompieno ke ene modiri a le nosi fela, mo go dirang tiro thata ka bangwe ba felela ba mo emela lebaka le le leele fa batho ba le bantsi gore a ba thuse. Mme Koko a re gape go na le tlhaelo e ntsi ya didirisiwa di tshwana le dibalamakgolo, dibuka le tse dingwe. A re mo nakong ya gompieno go na le dikhoputara di le tharo fela ntswa banana ba ba di dirisang ba le bantsi. Mme Dikoko a re komiti ya ditlhabololo tsa motse e tsweletse ka go batlela motlobo oo lefelo la sennelaruri. A re mo nakong ya gompieno o direla kwa diofising tsa VDC mme lefelo leo le lennye. education 4 Kago ya diofisi e fa banni tsholofelo Banni ba Ntlhantlhe mo kgaolong ya Borwa ba itumeletse diofisi tsa puso tse di agwang kwa motseng oo. Kago e, e simolotswe ka 2014 mme e tlaa wela ngwaga ono o ya fifing, go ya ka modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Botsile Letlape mo potsolosong. A re kago eo e agwa ke khansele ka lenaneo la Ipelegeng mme e na le diofisi ka go farologana jaaka ya ga mmaboipelego, Omang, matsalo le dintsho, ya ga molaodi le tse dingwe. A re e tlaa bo e thusa banni ba motse oo le ba metse e e mabapi jaaka Magotlhwane le Ranaka. Mme Letlape a re ga ba na go tlhola ba latela ditlamelo kgakala kwa Kanye le Lobatse. A re ba tlaa nna le sebaka sa go akola ditirelo tse di botlhokwa mo lefelong le le lengwe ba sa kgarakgatshege jaaka go ntse go diragala. A re seemo seo e bile se ntse se tsenya bagodi mo diphatseng. Mongwe wa banana, Mme Bontle Moreki a re o itumetse ka ba ntse ba kopa ditlamelo dingwe tse di amang banana kwa Moshupa mme mosepele wa teng o le sekgala gape o tura. Mme Moreki a re mo gongwe motho o ne a patelesega go boela Moshupa gantsi fa a sa bona thuso mme seo e le madi a mantsi. A re kago eo e tlaa ba atameletsa ditlamelo go bo go rotloetse banana go inaakanya le mananeo a puso. Mme Moreki a re e le monana yo o sa berekeng o solofetse gore diofisi tseo di ba bule diphatlha dingwe tsa go bereka jaaka go phepafatsa, go tlhokomela dikago le tse dingwe. “E bile ke solofetse gore banana bangwe ba tlaa nna le sebaka sa go ipulela dikgwebo fa pele ga dikago tse jaaka tsa go rekisa dijo, dimonamone le tse dingwe,” ga bua Mme Moreki. A re kago ya diofisi tseo e tsisitse tsholofelo e ntsi mo go bone e bile ba eletsa gore e tsise pharologanyo e e bonalang mo matshelong a banni ba motse. Mongwe wa baagi yo o mo tirong ya go aga dikago tseo, Rre Joseph Morolwa a re mo nakong ya gompieno ba setse ba simolotse go tlhomesa. Are o solofetse gore mo nakong e e sa fediseng pelo kago eo e tlaa bo e rulelwa. Rre Morolwa a re kago e ne ya diiwa ke tlhaelo ya didirisiwa mme a tlhalosa fa di setse di gorogile, selo se a reng se ba tiisitse moko. politics 7 Nyeletso Lehuma e belege Nkele Moakodi wa lenaneo la nyeletso lehuma Mme Pinkie Nkele a re go botlhokwa gore Batswana ba ikwadisetsa mananeo a puso jaaka la nyeletso lehuma ka le kgonne go mo fa seriti mo setshabeng. Fa a tlhalosa mo potsolosong le Mme yo wa dingwaga tse di masome a mane le botlhano, mme wa bana ba bararo a re ka nako ya a fiwa dipodi, go ne go kwakwaletse, lefatshe le ntse lesetlha ke leuba e bile go le thata go ruao. Mme a re o ne a seka a kgobega marapo, ya re ka ngwaga wa 2016/2017, seemo sa tokafala mme leruo la simolola go ata. 2018 e ne ya nna ngwaga o mo namagadi mo leruong la gagwe, ka dipodi tsa gagwe di ne tsa tsala tsa tlatsa lesaka, selo se se neng sa mo kgontsha go rekisa di le mmalwanyana. Morui yo, o rekisa diphorogotlho P1 500 e le nngwe, merobana e tsamaya P1 000. Madi a a neng a a kgobokanya, mme Nkele a re o ne a gokelela motlakase le metsi mo lapeng, a agelela jarata a bo a reka motlhaba ka a na le keletso ya go oketsa ntlo ya gagwe ya dikamore tse pedi mo bogaufing. “Mo nakong ya gompieno, ke na le dipodi di le masome a marataro le bone; tse dinamagadi di le masome a mararo, tse ditonanyana di le masome mabedi le bongwe le dipotsane di le lesome le boraro,” a tlhalosa. O tlhalositse fa bontsi jwa tsone e le merobanyana, ka jalo a santse a di godisa mme e tlaa re fa di sena go goroga mo seemong sa gore di ka rekisiwa ka madi a a botoka, a dire jalo gore a tswelele ka go itlhabolola. Fa a nankola gore kgwebo ya gagwe e rotloediwa ke bomang, Mme Nkele o boletse fa a rekisetsa batho ba motse, bagwebi, manyalo le dintsho. “Mme ke na le keletso le kgatlhego ya go rekisetsa lenaneo la nyeletso lehuma go thusa ba ba mo seemong se ke duleng mo go sone,” a rialo. Ka e le mme yo o tlhaga, Mme Nkele a re o tsoga moso le moso ka nako ya borataro a ya go tlhola leruo kwa sakeng. A re fa gare ga nako ya lesome le bongwe le ya bongwe mo motshegareng, o bolotsa dipodi mme a di gatelele go di isa kwa nokeng ya Madikwe go ya go di nosa. “Motshegare ke tlhola ke di kgaolela ditlhare ke be ke di tsenya mo sakeng ka ga go na phulo. Ka nako ya botlhano maitseboa ke a di tlhatlhela.” Ntswa dipodi tsa gagwe di dira sentle Mme Nkele o supile fa a na le dikgwetlho di le mmalwa. “Ntle le bophokojwe ba ba maoto mabedi, malwetse ke kgwetlho. Dipodi tsa me di tshwenngwa ke dikgofa fa gare ga maroo le ditlhagala tse dikima mo melaleng. Mme ba ofisi ya Nyeletso lehuma ba nthusa thata ka melemo le bogakolodi fa ke na le seemo se se ntseng jalo,” a tshwaela. Mme Nkele o boletse fa podi e le seruiwa se se bogadi bo gaufi mme e bile di se dingalo go di rua, ka jalo o kgothatsa Batswana go tsaya lenaneo la dipodi le go tia moko mo go se ba se dirang gore ba kgone ditoro tsa bone tsa go ka fetoga go nna bagwebi ba tlhwatlhwa le go tokafatsa matshelo a bone. O boletse fa a na le keletso ya go godisa kgwebo ya gagwe ka go reka dikoko tsa nama. economy_business_and_finance 3 Ba batla Mc Carthy’s Rust a tlhomamisiwa Banni ba Mc Carthy's Rust mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba re ga ba jesiwe diwelang ke go tlhoka go tlhomamisiwa semmuso ga motse wa bone. Banni ba buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone Rre Frans Van Der Westhuizen bosheng. Fa a amogela baeng, Kgosi Jonny Engleburg wa motse oo o ne a bolela fa go tlhoka go rurifadiwa ga motse wa bone mo go tsereng lobaka lo lo leele go ba rontsha go akola mananeo a puso a a leng teng ka ba kgona go tokafatsa matshelo a bone ka one, tlhaelo ya metsi le go tlhoka go thusiwa ka nako ga balwetse kwa sepateleng sa Tsabong. Kgosi Engleburg o ne a ngongorega gape le ka dikgosana tsa gagwe tse di saletseng kwa morago go bewa semmuso le gone go neelwa dikatso. Mo tekodisong ya gagwe mopalamente yo e bileng gape e le mothusa tona ya dikgaolo le tlhabololo magae Rre Van Der Westhuizen o ne a tlhalosetsa banni fa a tswa kgakala a setse kgang ya go rurifatswa ga motse wa bone morago a kaya fa jaanong mo nakong ya gompieno e le mo legatong la bofelo kwa palamenteng gore o tlhomamisiwe semmuso. O ne a solofetsa banni fa e tlaa re mo loeteong lwa gagwe gape mo motseng wa bone a tle ka phetolo e e tlaa ba itumedisang, a ba akgolela go nna le seabe mo go tlhomamiseng gore boipuso jwa masome a matlhano jo bo fetileng bo ketekwa ka thelelo mo motseng oo. Mongwe wa bagolo ba motse Rre Keleofile Tebelo o ne a bua a menne phatla ka tiego ya go tlhoka go tlhomamisiwa ga motse wa bone go ba baya ka fa mosing ka ba sa kgone go phuthologa mo motseng oo ka go aga bonno jo bo botoka ka ba sa bewa ditsha tsa sennela ruri. Fa a tswa la gagwe kgosana Fani Tumaeletse wa motse oo, o ne a iteela kobo moroko mafoko a ga Rre Tebele a ba a kopa ba khansele go ba thusa ka lenaneo la go tsaya matlakala ka dikotsekara mo motseng e le tsela nngwe ya gore banni bangwe ba tle ba kgone go oba lebogo ka ba thusiwa fela ke go bereka mo ipelegeng. Kgosana Tumaeletse o ne gape a ngongorega ka tsela ya Tsabong / Mc Carthy's Rust e e setseng e se mo seemong se se itumedisang ka e le dikhuti, o ne a bolela fa e le botlhokwa ka e tshwaraganya lefatshe la Afrika Borwa le Botswana. Go le pele banni ba ne gape ba ngongorega ka bana ba sekole seo ba ba yang go dira lokwalo lwa bone kwa dikoleng tse dingwe kwa Tsabong ba re batsadi ga ba kgone go duela madi a boroko a matlo a ba a hirisetswang le gone gore ga ba na tlhokomelo e e siameng fa ba le koo. Fa a ba kgwa dikgaba motshwarelela mokwaledi mogolo mo khanseleng ya Kgalagadi Rre Joseph Segopa o ne a bolela fa mo ngwageng wa madi wa 2017/2018 le bone ba tlaa akola lenaneo la go tsaya matlakala jaaka metse e mengwe. Rre Segopa o ne a kaya gore le fa ntswa motse oo o ise o tlhomamisiwe khansele e leka ka bojotlhe go tsisa ditlhabololo ka mo nakong ya gompieno e setse e agile sekole se sebotlana sa matlo a borutelo a mabedi mme e bile a setse a okediwa go nna mane. Mo sepalamong sa bana go ba isa dikoleng kwa Tsabong o supile fa ba khansele ba sa ntse ba le mo ditshekatshekong gore ba ka thusiwa ka tsela e e ntseng jang. Mogokgo wa sekole seo Mme Kganetso Kavari o ne a tlhalosa fa sekole seo se amogetse bana ba le masome a mararo ba ba felelang ka lokwalo lwa boraro. A re bana ba tshwanelwa ke go ya go tsweledisa dithuto kwa dikoleng tse dingwe selo se a reng se ba kgoreletsa go tswelela sentle le gone go atlega mo dithutong tsa bone. Mooki yo mogolwane mo kokelong ya Tsabong Mme Selina Sethibang fa a tsibogela tsa botsogo o ne a bolela fa kokelo eo e tlhaelelwa ke dingaka ka di supa ka palo mo boemong jwa go nna lesome le boraro selo se a reng se kgoreletsa setshaba go bona dithuso ka bonako. Mme Sethibang o boletse fa mo nakong ya gompieno ba thusa banni ba motse oo fela ka koloi e e tsamayang gangwe mo kgweding mme nako e ntsi ba latela sepatela fa ba lwala dikhilomithara di ka nna masome a mabedi le botlhano. A re fa motse oo o ka tlhomamisiwa mo ditshekatshekong tsa lephata la botsogo gongwe motse oo o ka agelwa kokelwana fa madi a le teng go fokotsa mosuke kwa sepateleng le gone go ba atameletsa ditirelo tsa botsogo gaufi. BOKHUTLO politics 7 Bakwena ba kopiwa go tshwaragana Modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Jeffery Sibisibi a re Molepolole o lebanwe ke dikgwetlho di le mmalwa, ka jalo a kopa Bakwena go tshwaragana le khansele go rarabolola seemo seo. Rre Sibisibi, yo o neng a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Molepolole, a re mo ditshekatshekong tse ba di dirileng ba lemogile fa khansele e le nosi e se kake ya kgona. Le fa go ntse jalo a re bodiredi jwa khansele bo tlaa itoma sanngate go bona gore dikgwetlho tse ba lebaganeng le tsone ba ka di kgona jang. O kopile morafe go ntsha megopolo e ba ka e dirisang go kopa madi kwa pusong go dira ditiro tsa ditlhabololo. Modulasetilo o bile a tlhalosa fa dingwe tsa ditiro tsa Ipelegeng di tsweletse, mme go santse go sa lekana ka jaana ka dinako tse dingwe badiri ba salela kwa morago ka ntata ya tlhaelo ya didirisiwa . O bile a tlhalosa fa khansele e le mo thulaganyong ya go tlhoafalela go isa ditlamelo kwa bathong, a re ba lemogile fa mo nakong e e fetileng go ne go ntse go se na thulaganyo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Boitumelo Kably ene o tlhalositse fa komiti e sa nna le ditiro dipe tse di bonalang ka jaana ba ne ba tshwaragane le ditiro tsa go baakanyetsa molelo wa kgolagano le boipuso jwa masome a matlhano. Le fa go ntse jalo, a re Ipelegeng e tsweletse tsa go phepafatsa motse ka go ntsha ditlhare tse gantsi dirukutlhi di iphitlhang mo go tsone. Modulasetilo o bile a tlhalosa fa kgaolo ya Borakalalo le Boswelakoko di sa tsamaege ka nako ya fa dipula di nele e bile metsi a tsenelela batho mo malapeng le bana ba dikole ba sa ye dikoleng sentle ,ka jalo a kopa khansele go rarabolola seemo seo . Ka pego ya ditiro tsa molelo wa kgolagano le boipuso, e e santseng e saletse morago ,modulasetilo o kopile Bakwena go ba inela diatla metsing ka jaana dipego di ise di dirwe, a re e tlaare fa di sena go dirwa ba lekodisiwe . Mo phuthegong eo morafe o ne wa ngongorega ka seemo se se maswe sa ditsela mo motseng, letlhoko la metsi le kgopho ya metsi a a leswe e ba tlhalositseng fa e le yone e paledisang go tswelela ga ditlhabololo. politics 7 Puso e leboga batlamedi ba bana Puso e lebogela seabe sa batsadi ba ba tsereng boikarabelo jwa go tlhokomela le go godisa bana ba masika le ditsala ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi. Mothusa tautona Rre Slumber Tsogwane o buile jalo pele ga letsatsi la botsalo jwa morena mo metseng ya kgaolo ya Boteti bophirima jaaka a ne a abela bana ba masiela le dikhutsana dimpho tsa keresemose. O ne a leboga go menagane batsadi ba ba tlhokomelang bana ba. O supile gore go abela bana bao dimpho ngwaga le ngwaga go botlhokwa le fa di se kake tsa ba goga lobaka mme di tsisa monyenyo mo difatlhegong tsa bone le fa e le ka nakwana. Rre Tsogwane o tlhalositse gore tiro ya go abela ba ba seng lesego mo setshabeng e dirwa ke batho ba ba lorato e bile ba le kutlwelobotlhoko. “Ga re eletse go bona motho e le motlhoki kana a tlhokafaletswe ke batsadi ba ba neng ba thusa ka ditlamelo tsa botshelo.” Rre Tsogwane a re go utlwisa botlhoko ka gore bangwe ba bana ba latlhegelwa ke batsadi ba sale babotlana, ba sa kgone go itirela sepe, ka jalo ba tlhoka go tshwaraganelwa ke setshaba gore ba gole sentle ba kaelwa tsela e boammaaruri ka lorato. Rre Tsogwane a re puso ga e robadiwe ke dikgwetlho di akaretsa lehuma, letlhoko la ditiro, le go tlhaelelwa ke ditlamelo ga bana bangwe ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi. A re ba masika ba tswa kgakala ba leka go tlamela bana ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi, le fa go ntse jalo a re go a tshwenya go bona batho ba itsholelo e e botoka ba ngosela go thusa ba ba dikobo di magetleng. “Ntsha se o nang le sone go thusa. Go a tshwenya go bona motho a latlha dijo moagisanyi a lala ka logaba.” Rre Tsogwane o lebogile dikompone le batho ka bongwe ka bongwe ba ba itlamileng go tswelela ba thusa. A re puso e tsweletse ka mananeo go leka go lwantsha dikgwetlho tse di amang ditlhopha dingwe mo setshabeng jaaka bagodi, ba-na-le bogole, bana ba dikhutsana le masiela, a tlatsa ka go re puso e tlaa tswelela ka go itela mo dikomponeng le setshaba go thusa. Go nna le seabe ga dikompone le batho bangwe ga se go ikgantsha ke go supa lorato le bopelotlhomogi. O gakolotse batlhokomedi ba dikhutsana le masiela go tlhokomela dimpho tse di filweng bana gore ba di akole ka boammaaruri. Seabe kana lorato le le tswang mo setshabeng se ka dira gore dikhutsana le masiela ba gole sentle ba na le boikarabelo, ba lemoga gore ba na le boleng mo setshabeng. Rre Tsogwane o gakolotse setshaba go tsweledisa mekgwa e e neng e thusa gore ba tshele ka tshwaragano, lorato le go thusa ba ba tlhokang. society 9 Ditlou di jesetsa balemi mo kgobedung Balemi barui ba Rakops mo kgaolong potlana ya Boteti ba lela ka tshenyo ya ditlou tse bareng di ba senyetsa didiba e bile di kgaola diterata tsa masimo mme di upotse temo ya bone ba bo boele kwa gae ba iphotlhere. Ba ntshitse selelo se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mothusa tona wa lephata la temo-thuo, Rre Fidelis Molao kwa Rakops. Ba re le fa diphologolo di ba senyetsa jaana ba lephata la diphologolo le makgabisa naga ba maoto a tshupa go ya go bona tshenyo ntswa ba e begetswe ba tlatsa ka gore gape ga ba duelo madi a phimolo dikeledi ka nako Ba re ga baitse gore puso fa e sa tseye kgato ka ditlou tse jaana ,ga e bone fa e busetsa kwa morago maiteko a yone a go thusa balemi ka go ba lemela. Balemi barui ba re fa go sa dirwe sengwe ka ditlou tse ba ya go tshelela mo lehumeng ka jaana maiteko a bone a go lema gore ba e jese le go direle lefatshe leno dijo a phuthamisiwa ke tshenyo ya ditlou.Barui ba ne gape ba lela ka koporase ya Botswana Meat Commission (BMC) ba re e tsaya sebaka go ba duela fa ba rekisetse dikgomo mo go bone. Mongwe wa barui Rre Joseph Nenguva a re lephata la temo-thuo le jewa ke la diphologolo a supa gore mananeo a temo-thuo mo kgaolong ya bone a kgoreletswa ke diphologolo . o ne gape a re o kopa gore ba duelwe ka nako fa ba senyeditswe ke diphologolo . Rre Batontoki Ramakhubu e ne o ne a re batla go isa dikgomo tsa bone kwa kgwedisong ka seatla a re mo nakong ya gompieno ga ba nna kwa ba diisang teng a tlhaolosa fa ba kile ba bo ba isa kwa Makalamabedi. O ne gape a ngongorega ka ba lephata la diphologolo a re ditlou di sale di sentse masimo a gagwe ga baisi baye go bona tshenyo. Rre Selonyana Nyande o ne a re o lebogela go bo puso e ba thusitse ka go ba teratela masimo a a kopanetsweng a re sebe sa phiri ke gore jaanong terata e o e kgaolwa ke ditlou a tlhalosa fa ba ne ba kopa gore e tsengwe motlakase . Mme Tuane Gabokgatlhe le ene o ne a lebogela lenaneo la LIMID a re mathata a bone ke mmaraka wa dipudi tsa dipholo ,a re boradibuchara ba reka ka madi a mannye atlatsa ka gore ba o kopelwe kwa go ba sesole sa Botswana le lephata dikgolegelo. E ne e rile gole pele fa amogela baeng mothusa kgosi wa Rakops Rre Kagiso Mabona, a supa fa temo-thuo e le mokwatla wa Motswana ka jalo banni ba motse wa gagwe ba rata temo mathata ke ditlou a re fa ba lemile ba itsela fela, le ba ditshingwana tse di mo thoko ga noka di a basenyetsa atlatsa ka gore ba tlhoka go rutuntshiwa gore ba tshele diphologolo jang. Kgosi Mabona a re mananeo teng ba a a bona mme mathata ke dijo tsa leruo a supa fa marekisetso a dijo le melemo ya leruo a sa bereke ,le metsi a re noka ga e ikangwe ka fa gongwe e kgala. O bile a lela ka tlhaelo ya metsi mo e bile bangwe ba nwa metsi a noka a a seng phepa. E ne e rile go pele mothusa tona a ba lekodisa gore le bone ele lephata temo-thuo ba lemogile gore ba tshela madi mo mothobodikeng ka ntata ya tshenyo ya diphologolo a re ga ba a nna fela ba thulantse ditlhogo le ba lephata la diphologolo go bona gore ba ka dirang go hema seemo se. Mothusa tona a re o lemogile gore selelo segolo sa kgaolo e ke tshenyo ya diphologolo, a re lefa diphologolo di tsisa itsholelo ga di a tshwanela go senya. O ne a lebogela mananeo go bo a tsweletse lefa go nna le dikgwetlo. Rre Molao o ne a rotloetsa balemi/ barui go tlhama dikomiti le mekgatlo ya balemi barui tse a reng ke tsone di tsamaisang kgang le matshwenyego a bone tsa temo-thuo a tlatsa ka gore ke tsone ba tshwanetse go bereka le tsone. O ne a re mathata a diterekere ga se gore di a tlaela go dirwa ke gore ba lemelana ka losika ,a kgotlhatsa borraditerekere go dirisana go tiro ya bone ene motlhofo ba dira jalo ka go kgaogana ditiro . Mothusa tona a re bantshitse VAT mo didirisiweng tsa temo-thuo,a re maikaelelo a puso ke gore Batswana ba dire kgwebo ka temo. BOKHUTLO society 9 Borukutlhi bo a kekela kwa Tonota Banni ba kgotlana ya Lemboko kwa Tonota ba ngongoregetse borukutlhi jo bo golelang pele mo motseng wa bone. Se se builwe ke Kgosi Moiteela Sebika fa a ne a amogela baeng kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Tonota e bile gape e le tona wa banana, metshameko le ngwao Rre Thapelo Olopeng Phatwe a le lesome le botlhano. Kgosi Sebika a re o tshwenngwa ke dirukutlhi mme go tsaya nako gore mapodisi a tsibogele seemo se. O tlhalositse fa letlhoko la dikoloi tsa mapodisi le sa ba jese di welang ka gore dirukutlhi di felela di itirelela. A re boitshwaro jwa banana ga bo itumedise ka ba itontela nnotagi ba bo ba goga motokwane mme se se dire gore ba inaakanye le borukutlhi. Kgosi Sebika a re banana ba kgotlana ya gagwe ga ba kgatlhegele diphuthego tse di tshwarwang mo kgotleng, mme a kopa banana go dirisa ofisi ya gagwe ka dinako tsotlhe. O ngongoregetse ditlhwatlhwa tsa metsi tse a reng di nna di le kwa godimo fela ka dinako tsotlhe mme metsi a tsweletse ka go tshologa gongwe le gongwe mo motseng. Rre Olopeng ene o ne a kopa batsadi go kgalema, a re Setswana sa re lore lo ojwa lo sale metsi jalo go nna bone baeteledipele ba ka moso ba tshwanetse go nna bokao mo setshabeng. O gakolotse banana go nna le botho mme a re bagolo ba rute bana go nna le botho le boikarabelo le gone go tlotla bagolo. Rre Olopeng a re o tshwennngwa ke letlhoko la ditiro mo bananeng, le fa go ntse jalo o rotloeditse banana gore ba seka ba fela dipelo mme ba dirise mananeo a ga goromente a a lwantshang lehuma mme ba nne ba bale dipampiri tsa dikgang le go reetsa seromamowa go batla ditiro. O akgoletse banni go bona lenaneo la ipelegeng le ba reng le tsamaya sentle le fa itsholelo ya Botswana e le kwa tlase mme le kgona go thusa Batswana ka ditiro. O kopile banni gore e re ka ipelelo boipuso e le gaufi, ba itshware ka boitshwaro jo bo lolameng gore go rene kagiso le thokgamo magareng ga bone. Rre Olopeng o gakolotse banni gape gore ba seka ba baya sengwe le sengwe mo pusong fela mme ba itirele ka bobone mme a rotloetsa banni go apara mebala ya Botswana kgwedi ya Lwetse yotlhe. crime_law_and_justice 1 Metsi a dinoka tsa mafatshe a a kopanelwa Mookamedi wa lephata la metsi, Rre Obakeng Obakeng a re gore metsi a dinoka tse di ralalang mafatshe a tshwanetse go dirisiwa ka go kopanelwa ke batho ba mafatshe ao go setswe morago melawana ya lekgotla la ditshaba morago. Rre Obakeng o buile jalo fa a ne a tsibogela potso ya ga Mme Gaboutlwelwe Tshukudu yo o neng a ngongoregela batho bangwe ba go bolelwang ba ikgagapelela tiriso ya metsi a noka ya Limpopo.O boletse jalo mo thutopuisanong e e neng e tshwaretswe kwa Mahalapye bosheng, Bangwe go umakwa fa ba setse ba epile didiba mo thoko ga noka eo ntswa go se na morero le bagolwane ba lephata la metsi mo Botswana. A re ka fa melawaneng ya lekgotla la ditshaba e laolang tiriso ya metsi a dinoka tse di ralalang mafatshe e tlhalosang ka teng, batho ba mafatshe a dinoka tseo di tsenang ka one ba tshwanetse go rerisana pele ga ba ka itirisetsa metsi ao. O bile a bolela fa go se na batho ba lefatshe lepe ba ba tshwanetseng go meta noka epe ntleng le therisano. Rre Obakeng o tlhalositse fa lephata la gagwe le tlaa itebaganya le go tlhotlhomisa dikgang tsa go nna jalo kwa baleming ba dipolase tsa Tuliblock ka e le bone ba ba gaufi thata le noka eo. A re lephata la gagwe le itebagantse thata le go epa didiba, go epa matamo le go meta dinoka tsa lefatshe leno ga mmogo le metsi a makgobokgobo a Ngami gore a seka a kgotlelesega le go bona selekanyo sa metsi a dinoka tseo. A re mo isagong badiri ba lephata leo ba ikaelela go tswa ka methale e e ka dirisiwang go thibela letsatsi go tsaya metsi mo matamong ka selekanyo se se kwa godimo gore matamo a seka a kgala kgapetsakgapetsa jaaka go diragetse ka letamo la Gaborone. Rre Obakeng o ne a tlhalosetsa batho ba ba neng ba tsene thutopuisano eo gore dingwe tse di kgoreleditseng letamo la Gaborone go nna le metsi a mantsi ke go na ka boutsana ga dipula le batho bangwe ba ba dirileng matangwana a a nosetsang merogo mo thoko ga noka e e tshelang letamo leo, le go bolelwang le kgadile. O rile e re ntswa e le keletso ya puso go tswelela ka go epa matamo go nosa batho ba ditoropo le metse e metona jaaka Borolong, Kanye, Molepolole, Mochudi, Serowe, le Maun, sebe sa phiri ke letlhoko la madi le go fela ga mafelo a go ka agwang matamo mo go one. O tsweletse ka go tlhalosa fa e le maikaelelo a lephata la gagwe go siela metsi batho ba metse e e ralalwang ke phaephe e e gogang metsi kwa Bokone go ya kwa Borwa jwa lefatshe leno fela fa go na le mabaka a a kgotsofatsang a go supa fa batho ba metse ya go nna jalo ba tlhaelelwa ke metsi. Rre Obakeng o rile le fa puso e neetse koporase ya Water Utilities boikarabelo jwa go siela Batswana metsi mo ditoropong le mo metsing ya magae, gone lephata la gagwe le sa ntse le neilwe boikarabelo jwa go tlhokomela tiriso ya metsi, go epa didiba le matamo, go meta dinoka le go neela batho tshwanelo ya go dirisa metsi ga mmogo le go kwadisa didiba tse di epilweng ke beng. O tlhalositse fa dingwe tse di tlaa dirwang go somarela metsi e le go fokotsa dipompo tse di dirisiwang go nosa morafe mo magaeng, go gagamaletsa dikgato batho ba ba nosang diruiwa metsi a setshaba le go tseela dikgato batho ba ba kgotlelang metsi. politics 7 Makhanselara a ngongorega ka mananeo Makhanselara a kgaolo ya Legare ba re ba ngongorega ka tsamaiso ya mananeo a puso a a diretsweng go thusa Batswana mme jaanong go sa nne jalo. Ba buile mafoko a mo phuthegong ya khansele e e tsweletseng kwa Serowe fa ba akgela mo pegong ya modulasetilo wa khansele. Mokhanselara wa kgaolwana ya Mmadinare Bokone Bophirima, Mme Banabotlhe Mpheke, a re mananeo a bomme a lephata la bong ga a sa tlhole a thusa bomme ka sepe ka tsamaiso ya one e le thata. Mme Mpheke a re mananeo a diretswe go ntsha Batswana mo lehumeng bogolo jang bomme, mme jaanong a dirilwe bokete mo bomme ba sa kgoneng go a sala morago. A re go nale dikgwetlho tse dintsi fela tse di itsang gore ere bomme ba ipopile setlhopha ba kgone go atlega. O ne a tlhalosa fa mananeo a le mantle e bile a eletsega. Le fa go ntse jalo a re ga a sa tlhole a na le mosola ka go na le dikgoreletsi mo ditseleng tsa go ka a bona. E rile a mo tlatsa, mokhanselara wa Matobo/Goshwwe, Rre Sam Dambe, a tlhalosa fa lephata la bong e le ruri le ketefaletsa matshelo a Batswana kwa pele. Rre Dambe a re ga gona tswelelo pele kwa dikgaolong mo mananeong a lephata bogolo jang mo dikgwebong tse di setseng di simolotse. A re ga gona tlhokomelo e e tseneletseng go bona gore ditirelo di dira jang mme bangwe ba felele ba tlogetse. O ne a tlhalosa le ene gore e re ntswa mananeo a diretswe go ntsha Batswana mo lehumeng jaanong a ba ketefaletsa botshelo. Mokhanselara wa Nata, Rre Keiphele Stephen, ene o ne a supa fa mananeo a sa tswela batho mosola. A re ditlamelo tse ba tshwanetseng go thusiwa ka tsone di diega go tla mme a kopa gore bogolo bodiredi jwa puso bo ikopanye, ba kgobokanye didirisiwa tse di tlhokegang pele ba ka di isa kwa bathong. Rre Stephen a re kwa kgaolong ya gagwe ba lenaneo la ditshingwana tsa merogo ba eme fela ka matlowa, a a senang tiro go sa ntse go letilwe didirisiwa tse dingwe. A re fa gongwe motlhaba o tlaabo o sale jaaka o tshetswe e bile o boe o fediwe ke dipula go sa ntse go emetswe didirisiwa tse dingwe gore batlhoki ba agelwe matlo. Fa ba bua ka lenaneo la matlo la SHHA, ba ne ba bua ba sa kgwe mathe ba re batho ga ba sa tlhole ba akola lenaneo le fa le sale le ntshiwa mo dikhanseleng. Mokhanselara wa kgaolo ya Tsienyane Botlhaba, Rre Reuben Erastus, a re ba bonna matlo a SHHA kwa dikgaolong tse dingwe fa tse dingwe go sena sepe. A re gape dikopo di tsaya lobaka batho ba bo ba felele ba itlhobogile. Bokhutlo politics 7 Monana o gweba ka go apeela badiri ba Ipelegeng Monana mongwe kwa Phala Road mo kgaolong potlana ya Mahalapye o itumeletse lenaneo la puso la go apeela badiri ba Ipelegeng. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Kesego Molabi, yo o dingwaga di masome a mararo le botlhano o boletse fa a simolotse go apeela badiri ba Ipelegeng ka Moranang. Mme Molabi o boletse fa a sa rutelwa kapei ko sekolong mme a ithutetse mo lwapeng fa a gola. Pele ga a simolola go apeela badiri ba Ipelegeng Mme Molabi o boletse fa ane a itshetsa ka go rekisa menoto, dithogo le mateng a dikoko tse a neng a di reka ko Mmamashia. Pele ga moo o bolelela fa ane a berekela Kompone ya Bobirwa Bricks ko Tlokweng lebaka la dingwaga di ferabongwe mme a togela ka mabaka a bolwetse le dikatso tse di neng disa fetole botshelo jwa gagwe. O thalositse gore fa motho a apeela badiri ba Ipelegeng go bothokwa gore a apeele mo lifelong le le phepa le gore moapei a nne phepa fa a apaya dijo le fa a isetsa badiri dijo. O boletse fa a apeela badiri ba Ipelegeng mapakiwa le senotsididi ka Mosupologo, dinawa tse di thakantsweng le setampa ka Labobedi, bogobe le seshabo e bong morogo kana nama ka Laboraro, ka Labone o boeletsa dijo tse a di appeileng ka Mosupologo mme ka Labothano o boeletsa dijo tse a di apeeileng ka Labobedi. Mme Molabi o thalositse fa go le bothokwa gore mogwebi yo o apeelang badiri ba ipelegeng a itse selekanyo sa madi a a tla dirisiwang go reka dijo, gape o boletse fag ole molemo go reka dijo mo marekisetsong a matona gona le dimausuka gore a rekisadijo ka tlhwatlhwa e e ko tase mme seo se dire gore mogwebi a kgone go bona dipoelo tse di nametsang. O thalositse fa a dirisitswe madi a a kanang ka sekete sa dipula go reka dijo tse a di apeelang badiri ba ipelegeng. One gape a thalosa fa go apeela badiri ba Ipelegenh go sa bate motho yo o boitseme mo kapeing. Mme Molabi o thalositse fa dikatso tse a tlaa di boning morago ga go apeela badiri ba ipelegeng di tlaa fetola botshelo jwa gagwe ka gore oya go di dirisa go ikagela ntlo ko setsheng sa gagwe. BOKHUTLO society 9 Luma ga a a adima tshwene marapo Go setse go itshupile mo setshabeng gore bomme le bone ba na le bokgoni go ka nna le seabe se se bonalang mo mererong ya go ka tokafatsa le go tswakanya itsholelo ya lefatshe leno. Se se rurifaditswe ke Mme Dinah Luma wa Tati Siding mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, yo o inaakantseng le kgwebo ya go roka diaparo ka mefuta le go di tshwaya. Mme Luma, wa dingwaga tse di masome matlhano, o tlhaloseditse Kompone ya gagwe e itebagantse le go roka diaparo, mme segolo bogolo e tumile thata ka go roka paka ya dikole tsa Tati Siding le metse e e mabapi. Mme Luma a re ene o tshedile e le mmereki mo marekisetsong ka go farologana a a akaretsang PEP e le mongwe wa baeteledipele, a sa itse sepe ka go roka. Fela mme o supa fa kwa a tlholegang teng kwa Hukuntsi, a tsalwa mo lelwapeng le le tumileng ka dikgwebo tsa go roka, a supa fa mogolowe e le m tlhatlhelela dithuto tsa go roka kwa sekoleng sa ithutelo tiro sa Kang. A re mogolowe yoo ga a a itebaganya le go tlhatlhelela dithuto fela ka jaana fa a se kwa tirong a roka diaparo tsa manyalo. Mme ke gone e neng ya re ka 2015, a nna le mogopolo wa go tlogela tiro ka maikaelelo a go ipereka, mme kakanyo e e neng ya mo rothegela e nnile go tsena mo kgwebong ya go roka. “Ke ne ka ikgolaganya le nkgonne go tsaya malebela le botsipa jwa go roka ka maikaelelo a gore kwa pheletsong ke itshimolele kgwebo,” a tlhalosa jalo. O ne a supa fa le ene a batla go tsweledisa serodumo sa losika lwa gagwe, sa go nna bomankge ba baroki, mme e ne ya re morago Mme Luma a kgona go kwatabolotsa botsipa mme mogolowe a lemoga seo ka go mo abela dingwe tsa ditsompelo tse di tlhokegang go ka roka. Ka madi a a neng a na le one, o ne a kgona go itsholetsa a reka ditsompelo tse a neng a di tlhaela mme a seka a tlhola a gadima kwa morago, a diragatsa maikaelelo le maikemisetso a gagwe a go nna moroki. Lum Agencies e setse e na le badiri ba le batlhano, mme e bile keletso ke gore e gole e tle e tswelele ka go bula diphatlha tse dingwe tsa mebereko. “Kgwebo e ya me e dirile pharologanyo mo matshelong a me, ka ke kgona go itlamela le ba lelapa lame, ka dipoelo tse ke di bonang, mme e bile gape le bone badiri ba ke dirang le bone ba kgona go itshetsa,” a supa jalo. O tlhalositse fa go le botlhokwa gore fa o le mogwebi o nne le lorato, boitshoko le boineelo mo kgwebong epe fela ka dinako tsotlhe. Gape o ne a tlatsa ka go tlhalosa fa go dira dithoto tsa boleng jo bo kwa godimo le go di dira ka nako e le dingwe tsa konokono tse di tlhokafalang gore kgwebo e tswelele. O tlhalositse fa dilo tse di ka thusa gore le ka nako e kgwebo e sa direng sentle o le mogwebi, o kgone go tswelela pele, go na le gore o kgobege marapo go ka emelelana le diemo tse di ka tlhagogang. Mme Luma o bile a gwetlha bomme ka ene go tsepama, ba eme ka dinao gore matshelo a bone a gatele pele. A re bomme ba tlogele mowa wa go inyatsa mo botshelong gore ga ba na bokgoni, a tlhalosa fa selo se segolo se se tlhokegang e le gore ba itsenye mo bagwebing ba dikgwebo tse ba eletsang go di dira ba tsee malebela go tla go ikemela ka bonosi. Gape o ne a paka fa mo malatsing ano a letlhoko la ditiro, ditiro tsa diatla e ka nna tsone tse di ka ba thusang go itlhotlhora manokonoko a go tlhoka tiro. Mme Luma o kaya fa kgwebo ya gagwe e setse e itsege mo mafelong ka go farologana, a supa fa a roketse dikole tsa Masunga le Dukwi. A re o na le toro gore mo isagong, a bo a na le madirelo a a rokang diaparo le go di tshwantsha. Mme Luma o bile a bolela fa go dira sentle le babereki go le botlhokwa go godisa kgwebo. O boletse gore fa le bereka mmogo le tshwanetse go dira ka kagiso, kutlwano le therisanyo mme e bile le abelana dikgakololo le maele a go godisa kgwebo. society 9 Kgosi Serumola o tlhomilwe Kgosi Masego Olebile wa Palapye a re bogosi bo tlhoka batho ba ba nonofileng ebile ba na le dikitso tse di ka itepatepanyang le seemo sa sesha. Fa a bua mo boemong jwa motswarelela kgosi kgolo ya Bangwato Kgosi Sediegeng Kgamane mo tirong ya go tlhoma kgosi Olgas Serumola wa Mathathane, Kgosi Olebile are go a itumeditsa gore motse o bo o na le kgosi ya monana yo ebileng a kgona go bala le go kwala. Kgosi Olebile a re mo malatsing a gompieno go tlhokega batho ba ba ka kgonang go itepatepanya le seemo sa gompieno ebile ba kgona go bala le go kwala Setswana le Sekgowa mo tirong ya bogosi. A re maikaelelo a puso ke go bona bogosi bo tlhabologa ka go tsenya batho ba ba nang le dikitso le boikarebelo jo bo kwa godimo. O supile fa bogosi bo tshwanetse jwa tlotlwa, jwa ilelwa mme a kopa kgosi Serumola go tshwara tiro eo ka matsetseleko jaaka moswi rragwe kgosi Richard Serumola a ne a dira. Kgosi Olebile a re ntswa Kgosi Serumola e le monana, o tsere boikarebelo jo bo tona mo morafeng jo bo mo direleng gore a fetoge a nne mogolo mme a mo kgotlhatsa go baya tshepho ya gagwe mo modimong. O mo kgotlhaditse gore a ile pipa molomo, a seka a gata bogosi ka dinao le go kopa morafe wa Mathathane go ema Kgosi Serumola nokeng ka nako tsotlhe. Fa a tswa la gagwe, Mopalamente wa kgaolo ya Bobonong Rre Shaw Kgathi o solofeditse fa a tla bereka le kgosi Serumola jaaka a tshwaragane le dikgosi tse dingwe tsa metse yotlhe ya Bobirwa. Rre Kgathi a re tiro ya kgosi e ntsi e akaretsa go ranola melao le go somarela ngwao le ditsamaiso tsa merafe . Kgosi Solomon Pharithi wa Molalatau o kopile Kgosi Serumola go ikgapha mo dipolotiking gore a tle a kgone tiro ya gagwe sentle. Fa a amogela thomo, Kgosi Serumola o solofeditse fa a tla a goga le morafe gore motse wa Mathathane o tlhabologe. A re o batla go bona banana ba tsaya karolo mo dikomiting tsa motse oo, temo thuo e gola gammogo le go tsosolosa ngwao ya Sebirwa mo motseng wa Mathathane. BOKHUTLO society 9 Madi a YDF a tshwanetse go busiwa Mokhanselara wa Tidimalo a re o tshwentswe ke banana ba ba sa buseng madi a ba a adimilweng go dira dikgwebo. Rre Solomon Dikgang o buile jaana mo bokopanong jwa khansele - potlana ya Serowe bosheng fa a ne a akgela mo pegong ya komiti ya ditlhabololo ya khansele potlana. A re pego e supa fa banana ba adingwa madi ka lenaneo la banana la Youth Development Fund mme go nne dingalo go a busa. A re se se a swabisa e bile se supa fa banana bao ba sa tseye kgang ya go busa madi ka tlhoafalo ntswa mo dinakong tse dingwe dikgwebo tsa bone di tsweletse mme go sena se se ba kganelang go ntsha madi a ba a kolotang kgwedi le kgwedi. Ka jalo, Rre Dikgang o ne a kopa banana go tsaya kgang ya go busa madi a ba a adimilweng ka tlhoafalo a re ba tshwanetse go busa madi ao gore banana ba bangwe ba tle ba thusiwe ka one le bone ba ipulele dikgwebo. O ne a gakolola fa puso e ntshitse lenaneo la YDF go thusa banana go bula dikgwebo le gone go bulela ba bangwe diphatlha tsa mebereko. A re banana bangwe ba tshwaya puso phoso ba re ga e ba thuse ntswa e le bone ba ba tshwanetseng ba ithuse ka mananeo a a itebagantseng le go thusa banana. Se se tla morago ga gore mogolwane go tswa kwa khanseleng-potlana ya Serowe, Mme Ruth Segweni a ntshe pego e e neng ya supa fa dikgwebo tsa banana tsa YDF di le 539 di setse di filwe dithuso tsa madi mo nakong eno mme mo go tsone, di le 482 di dira fa di le 57 di sa dire. Mme Segweni o ne a kaya fa banana ba ba thusitsweng ka madi a YDF ba sa buse madi a ba a adimilweng. O ne a re ntswa ba na le kgwetlho ya gore ba rotloetse banana go busa bontlha bongwe jwa madi a ba a adimilweng, go na le mmereki a le mongwe mo kgaolo-potlana ya Serowe yo o itebagantseng le go tsaya madi, ka jalo go tlhokana le gore go thapiwe yo mongwe. A re kgwetlho e nngwe e ba lebaganeng le yone ke gore leuba le kgoreletsa dikgwebo tsa banana tsa temo-thuo. A re go tsibogela seemo se, ba lephata la banana ba tshwaragane le la temo-thuo go thusa banana ka maele a gore ba ka tsamaisa digwebo tsa bone jang mo dinakong tsa leuba. economy_business_and_finance 3 Ba kopiwa go kgweetsa sentle Bakgweetsi ba kopilwe go kgweetsa ka kelotlhoko mo malatsing a tlaa simologang kgwedi eno e le masome a mabedi le boraro go fitlha e le masome a mabedi le bone, a Khawa Dune Challenge. Fa a buisana le ba lekalana la dikgang mo bosheng, mookamela mapodisi a pharakano kwa Tsabong, Asssitant, Superintedent Pandora Kgosimore , o tlhalositse fa tsela ya Werda e sa tsamaege sentle ka e na le dikhuti tse di ka felelang di bakile kotsi fa badirisi ba sa di ele tlhoko. Assistant Superintendent Kgosimore o ne a kopa a bo a gakolola bakgweetsi gore ba se ka ba kgweetsa ba nole bojalwa, ba obamele matshwao a tsela ka dinako tsotlhe, go kgweetsa ka lobelo le le lekanetseng le go tsamaya ka dikoloi tse di itekanetseng. O gakolotse le gore ba se ka ba tsamaya bosigo, bogolo jang mo tseleng ya A20 Sekoma Tsabong ka diruiwa di le dintsi thata mo go yone e bile e sa teratelelwa. Rre Kgosimore o kaile fa tsela go tswa kwa Khuis go ya Khawa e ka nna selekanyo sa dikhilomethara di le masome a fera bobedi, mme a kopa bakgweetsi go kgweetsa ka kelotlhoko ka le yone e le dikhuti le gore ba dirise dikoloi tse di ka kgonang go tsamaya mo go yone ka e le lekgwarapana. Kwa bofelong mookamela mapodisi a pharakano o ne a supa fa ba tlaa bo ba ipapanne sentle ka go dira dikganedi tsa tsela mo ditseleng go simolola kgwedi eno e le masome a mabedi le bongwe go tlhomamisa gore a molao wa tsela o a obamelwa, a kaya fa ba tlaa tseela botlhe ba ba tlaa tsuololang molao dikgato. Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Go sela matlakala ke karolo ya ditlhabololo Mogolwane wa khansele-potlana ya Tutume, Rre Maipelo Selatolo o tlhalositse gore bophepa ke ntlha e e botlhokwa mo botshelong. Rre Selatolo o buile jaana mo bokopanong jo bo neng bo kokoantse bagolwane ba khansele-potlana eo. O ne a re e le ba khansele ba na le mananeo a tshwana le a Ipelegeng, go thusa go sela matlakala le go tlhatlhelela morafe ka mosola wa go nna phepa. A re Tutume o motona e bile o na le ditiro tsa ditlhabololo tse di tsweletseng, tse di ngokileng dikompone le banni ba basha, ka jalo o gakolotse gore go sela matlakala e seka ya nna selo se se lejwang ka leitlho la nyenyafatso, e bile se beetswe bodiredi fela, a tlatsa ka go re le batho ba motse ba tshwanetse go phephafatsa tikologo. O ne a re banni ba motse ba se ka ba batla go tla go tlhobogwa ke ba ba tsileng ka tsa tiro, ka go tlogela matlakala a gasame go sa tsewe kgato epe. Rre Selatolo o ne a re gore ditiro di dirwe go sena makgoreletsi ape jaaka go sa itekanela ga babereki, ke fa tikologo e go direlwang mo go yone e kgatlhisa, mme gape e supa gore go na le ba ba dirang mo go yone, e bile ba e tlhokomela ka go e phepafatsa. A re mafelo a a diretsweng matlakala a tshwanetse go dirisiwa, gore motse e nne o o tlaa elediwang ke ba bangwe ka lebaka la bophepa. Rre Selatolo a re fa e kabo e le gore go sela matlakala ga se selo sa botlhokwa, puso e ka bo e sa tsee matsapa le ditshenyegelo go thapa ba ba selang matlakala. A re e nne seabe sa mongwe le mongwe go bona gore matlakala ga a gasagasiwe. environment 5 Dikganedi tsa mapodisi di dira pharologanyo Mothusa mookamela mapodisi a pharakano kwa Tsabong, Assistant Superintendent Pandora Kgosimore o akgoletse bakgweetsi ba Kgalagadi go bo ba tsibogetse maiteko a bone a go fokotsa dipalo tsa mokgwa wa go kgweetsa ba nole bojalwa le go tsamaya ka dikoloi tse di sa itekanelang mo kgaolong eo. O buile jalo bosheng mo puisanong morago ga go dira dikaganedi tsa tsela mo mafelong a beke e fetileng. Mothusa mookamela mapodisi a pharakano o tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go fokotsa dikotsi tsa tsela mo kgaolong, bogolo jang ba itebagantse le banana ka e le bone gantsi ba itontelang bojalwa fa ba kgweetsa. Assistant Superintendent Kgosimore a re go tsamaya ka dikoloi tse di sa itekanelang le go kgweetsa ga bakgweetsi ba nole bojawa go ne ga ba gwetlha go dira dikganedi tsa tsela kgapetsakgapetsa mo kgaolong eo. O supile fa mapodisi ba ne ba kgona go tlhatlhoba bakgweetsi le dikoloi di le 167, ba mo go bone ba le babedi ba ne ba fitlhelwa ba nole bojalwa fa go tshwantshwanngwa le ba le lesome le bongwe ngogola, fa ba le lesome le bobedi ba ne ba sa dirise mabante a itshireletso. Rre Kgosimore o kaile fa ba ne ba dira dikganedi tsa tsela gongwe le gongwe fa ba neng ba bona go tlhokafala teng ba ntse gape ba etse seemo sa borukutlhi tlhoko mo motseng. O supile fa ba ne ba tshwara borre ba le bararo mo sekgweng ba go neng go belaesega ba ne ba goga motokwane. A re fa e sale jaaka ba simolola go tsamaya mo ditseleng ba etse seemo tlhoko, go nnile le pharologanyo mo bakgweetsing ka jaanong ba tlhaloganya e bile ba itse gore ba tshwanetse gore ka nako tsotlhe ba bo ba tsere ditlankana tsa go kgweetsa le gore jaanong ba tlhomamisa gore dikoloi tsa bone di itekanetse sentle pele ga ba tsaya mesepele le gone go obamela matshwao a tsela. O supile fa ba tshwenngwa ke bakgweetsi bangwe ba ba inayang naga ka nako ya fa ba dirile dikganedi tsa tsela. A kaya fa go sa siama ka seo se ka ba tsenya mo diphatseng tsa go baka dikotsi. Bokhutlo disaster_accident_and_emergency_incident 2 Bomme ba gwethilwe go itsetsepela Bomme ba kereke ya Roma le dikereke tse dingwe ba gwetlhilwe go itsetsepela mo tumelong. Ba kgothaditswe go rapela le go ikanya Modimo ka dinako tsotlhe ka seo se ka thusa go fenya dikgwetlho tsotlhe tse ba kopanang le tsone mo manyalong. Mafoko a a builwe ke Moruti Steven Molefi, mogakolodi wa semoya wa kopano ya ga Mme Maria kwa Gaborone mo dithutong tsa bokopano jwa bomme ba kereke eo mo Tsabong bosheng. Moruti Molefi o ne a tswelela ka go tlhalosa fa moono wa letsatsi leo e le Mme Maria Motshegetsi wa Lelwapa. O supile fa mme go tswa goo-Lowe e le ene yo o tlhokomelang lelwapa ka nako tsotlhe le gone go godisa bana. O ne a tlhalosa fa go tswa kwa tshimologong le mo Baebeleng mme a tshwantshiwa le Maria mmaagwe Jeso. Moruti Molefi a re bomme ba tswa kgakala ka go tshwara thipa ka fa bogaleng. Ka a ne a nna a tlhagelela thata mo diemong tse di bokete di tshwana le tsa tsholo le go oka malwetse a a farologaneng. A re gantsi bomme ke bone ba ba tutelang ka kutlobotlhoko mo malwapeng mme ba itshokele seemo seo lebaka le leleele. O ne a kopa mme mongwe le mongwe go itshekatsheka mo go ageng lelwapa la gagwe gore e nne la motia, ka go le bontsha botlhokwa jwa Modimo mo botshelong jwa tsatsi le letsatsi. A re gape seo se ka thusa go fokotsa go thubega ga malwapa. O ne a supa fa tse dingwe di ka bo di sa nna teng fa di ne di nnetswe fatshe tsa rarabololwa ka dikgakololo tsa semoya le tumelo. O ne a rotloetsa popagano, tshwaragano le tlotlo fa gare ga borre, bomme le bana gore go nne le kagiso mo malwapeng a bone ka dinako tsotlhe. O ne a kopa bomme go itshwarela borre le gore ba fetole ka fa ba buisanang ka teng le borre fa pele ga bana ka seo se ka thusa thata mo kagong ya bana fa ba setse ba na le boikarabelo go aga malwapa a a nonofileng e bile a tiile. Fa a ntsha lefoko la gagwe la kgothatso, Rara Tefo Bolokwe o ne a tlhalosetsa batsena dithutopuisano tseo ka botlhokwa jwa bomme go tswa fela mo tshimologong ya botshelo. O ne a ba a ntsha dikai tse dintsi mo Baebeleng tse di fang bokao jwa bomme, a supa gantsi fa ditiragalo tse di botlhoko di ama bomme go na le borre. O ne a tshwantsha lolwapa le maotwana a pitsa a mararo a re ga a a tshwanela gore a reketle mme a itshwarelele ka dinako tsotlhe. Rara Bolokwe o ne a gwetlha bomme go emana nokeng mo dinakong tsa dipitlagano le gore ba nne le nako ya go thusa ba bangwe mo go rarabololeng dikgang tsa malwapa. Go le pele fa a amogela baeng, modulasetilo mo kerekeng ya Roma, Mme Matshidiso Masedame o ne a gwetlha bomme ba kereke eo go tsaya dithuto tsia ka e le bone ba gantsi ba kokonelwang ke manokonoko a malwapa a a se nang kagiso. O ne a supa fa ba tshwaretse dithutopuisano tseo mo Tsabong morago ga gore bomme ba mokgatlho wa ga Mme Maria ba ikopele go tla go tsosolosiwa. Mo molaetseng wa gagwe wa pulo semmuso wa bokopano joo, mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre John Toto o o neng o balwa ke mokwaledi wa gagwe, Rre Pius Tumaeletse o ne o supa fa bokopano joo bo le botlhokwa ka bo ka solegela malwapa ka bontsi molemo ka go tsisa thitibalo le kagiso ya lodulo lo lo siameng. Mo molaetseng wa gagwe mopalamente Toto o ne a gatelela gore lorato lwa motia ke lolwapa lo go renang kagiso mo go lone mme a gwetlha bomme go ikaega ka lefoko la Modimo ka e le lone tharabololo ya marara mo matshelong a bone fa ba o rapela ebile ba o tshepha. Bokopano jo bo ne bo tsenwe ke bomme ba batiakone go tswa kwa Kgatleng, Gaborone, Kweneng, Borwa Botlhaba, ga Ngwaketse, Jwaneng, le Kgalagadi Borwa. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Kereke e bopaganya setshaba - Markus Mopalamente wa Maun Botlhaba, Rre Kostantinos Markus a re kereke ke yone fela e ka bopang sechaba le go tsisa thitibalo le ledula gareng ga batho. E rile a bua kwa tshimolodisong ya kago ya UCCSA ya lekalana la Boseja Local Church mo Maun bosheng, Rre Markus a rotloetsa maloko go tlhoafalela go sokololela batho ba Kgotla ya Boseja mo kerekeng, ka se e tlaa bo e le go tsweledisa letsema la go bopa sechaba le go direla Modimo, selo se se rotloediwang thata ke puso. Mopalamente o kgothaditse maloko a kereke eo go thusa mo kagong ya kereke ya bone, mme ba dira jalo ka go itse fa go le sego letsogo le le abang go na le le le amogelang. O tlhalositse fa go ne go le thona go tlhoka lekalana la kereke ya UCCSA mo Boseja, ntswa e le yone nngwe ya dikereke tsa ntlha go tlhoma mo lefatsheng leno. Fa a itebaganya le ba khamphani ya Lempehu Investments, Rre Markus o ne a ba lebogela go thusa UCCSA ka P20 000. A re se ke sesupo sa boikarabelo jo bo kwa godimo, ka dikhamphani di tshwanetse go thusa setshaba se di direlang mo go sone le go tshwaraganela go tlhabolola motho le puso. Lempehu Investments ke khamphani e e agang tsela ya dikhilomithara tse di masome marataro le bongwe go tswa mo Maun go ya Makalamabedi, mme e kampile mo Chanoga. Khamphani e, e e leng ya Motswana, e akgoletswe maiteko a yone a go thusa setshaba gongwe le gongwe fa e direlang teng. Mopalamente Markus le ene o ne a abela kereke dikgetsi tsa semente di le masome mane. Fa a ntsha la gagwe, mogolwane wa Lempehu Investments, yo o okametseng tiro ya kago ya tsela, Rre Dimetse Champe o tlhaloseditse ba kereke ya UCCSA fa mo mererong ya tsa kago go le botlhokwa go tshwara nako e e beilweng go fetsa dikago, ka se se ka tila ditshenyegelo tse di sa tlhokafaleng. Rre Champe o bile a kgothatsa moagi go dira ka botswerere e bile a sa itlhokomolose go ntsha maduo a tlhwatlhwa e e kwa godimo, ka se se ka dira gore kago ya kereke eo e se ka ya nna ya baakangwa ga ntsi, ka se se ka senya madi. Le fa go ntse jalo, Mme Kehumile Leesemane yo e leng motiakone mo UCCSA, a re pleano la go aga kereke ya Boseja e tsisitswe ke go sokola ka lefelo la kobamelo. O tlhalositse fa ba ne ba obamela ko sekoleng se segolwana sa Maun, mme se se ne se raya gore fa gare ga beke, fa bana ba sekole ba le teng, mekgatlho ya kereke e ne e tlhoka fa e tsenelang teng. Selo se se ne sa ba gwetlha go senka lefelo le ba ka agang kereke mo go lone. Mme Leesemane o ne a tlala ka boitumelo a tlhalosa fa kago ya kereke eo e raya gore le fa diphefo kgotsa dipula di ka tla mekgatlho e tlaa tswelela ka go kopana ka tshosologo. BOPA religion_and_belief 8 Ba rotloeditswe go dira bo Omang Mopalamente wa Ngwaketse Bophirima, Rre Mephato Reatile o boleletse banni ba metse ya Thankane le ba Samane gore puso e phimotse sekoloto sa go dira karata ya Omang le matsalo morago ga nako. A re se se diretswe go rotloetsa batho botlhe gore ba nne le ditlankana tse di ba supang gore ke bo mang ka di le botlhokwa mo matshelong a bone. Rre Reatile o buile jalo bosheng fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng e, tse maikaelelo a tsone e neng e le go lekodisa morafe ka dikgang tsa palamente le go tsaya megopolo ya bone. O tsweletse a tlhalosa fa mo kgaolong ya Thankane le Samane go supagetse fa batho ba le masome a ferang bobedi le boroba bobedi ba ba nnang mo dipolasing ba santse ba sena bo Omang, mme a rotloetsa gore batho ba go nna jalo ba tseye bo Omang. Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Reatile o ne a kgothatsa maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse eo go tla ka methale e e tla a tlhabololang metse ya bone, a tlhalosa fa Ipelegeng e le lengwe la mananeo a morafe a ka a dirisang go itshetsa le go inamola mo lehumeng. E rile a ntsha la gagwe, Mme Dineo Petso wa Samane a bolelela mopalamente gore bagodi ba batlhoki ga ba akole dijo tsa mophako gammogo le madi a bone ka di tsewa ke batlhokomedi ba bone. A re se ke mangomolapelo ka gore e nna ekare puso ga e tlhokomele batho ba go nna jaana. O ne a kopa mopalamente gore kgang e, e salwe morago gore go nne le tharabolo ka jaana selo se ele go senyetsa setshaba. Bokhutlo politics 7 Baithuti ba tlaa sutela ditlhabololo Baithuti ba sekole se sebotlana sa Seingwaeng ba tlaa fudusediwa kwa Kgatleng Brigade go sutela ditlhabololo. Mokwaledi wa tsa thuto mo Khanseleng ya Kgatleng, Mme Bophelo Mokgethi o buile mo phuthegong ya batsadi le barutabana bosheng. Mme Mokgethi a re sekole sa Seingwaeng se tlaa tlhabololwa ka lenaneo la go tokafatsa itsholelo (ESP) mme ba bone matlwana a burutelo ale mane kwa sekoloeng sa ithutelo tiro ya diatla. O ne a tlhalosetsa batsadi fa ba bone go tshwanela gore bana ba fudugele kwa Brigade go ba tidisa diphatsa fa kago e ntse e tsweletse ka tshireletsego ya bone e le botlhokwa le gore ba seka ba itewa tsebe ke modumo wa didirisiwa. Mothusa mogokgo, Mme Pauline Mogaga o supile fa a itumeletse dipalo tsa batsadi ba ba neng ba tsile phuthegong, a re se se supa fa ba ikemiseditse go nna karolo ya thuto ya bana ba bone le go itse se se diragalang mo sekoleng. Mme Mogaga o supile fa sekole sa Seingwaeng se tsweletse pele ka go gatisa maduo a mantle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa. A re o tlala ka boitumelo go begela batsadi gore sekole sa gagwe se mo maemong a bone mo kgaolong ya Kgatleng ka 80 per cent. O ne a tlhalosetsa batsadi gore e re le ntswa ditlhabololo di tsile go ama thuto ya bana, ba tlaa tswelela ba bereka ka natla go ntsha maduo a a kgatlhang le go tswelela ba godisa serodumo sa Seingwaeng. Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Wilfred Lebekwe o supile fa ba amogela ditlhabololo tse khansele e di tsisetsang sekole se. Rre Lebekwe o ne a kopa batsadi gore ba simolole go tlhokomela bana ka ba tlaa bo ba fudugela kwa lefelong le go nang le motsamao wa batho o montsi mme o ne a ba kopa gore ba ise bana sekoleng go ba hemela mo dikotsing tsa dikoloi. O ne a gwetlha batsadi gape go netefatsa fa bana ba bone ba tlwaela lefelo la sekole le le sha. Mme Bame Dikgale, mongwe wa batsadi o ne a supa fa a amogela ditlhabololo tse di tlaa dirwang mo sekoleng mme a supa fa ba dumalana gore mophato wa bana ba bangwe o fudusiwe e le tsela nngwe ya go fokotsa mosuke mo matlwaneng a borutelo. “Re batla bana ba rona ba rutelwa mo lefelong le le phepa fa ba tlaa sekeng ba itewe tsebe ke sepe teng.” Ditlhabololo di tlaa simolola Tlhakole a tlhola ga tlhano mme go solofelwa gore di fele ka Seetebosigo. BOKHUTLO education 4 Ba ga Mafhikana ba akgolwa mowa wa boipelego Banni ba kgotla ya ga Mafhikana kwa Kanye ba akgoletswe mowa o montle wa boipelogo. Seno se builwe ke modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Alec Seametso mo phuthegong bosheng fa a ne a ile go ba lebogela go bo ba mo file mokhanselara wa bone, Rre Thamiso Chabalala. Rre Seametso o tlhalositse fa banni bao ba itiretse ditlhabololo tse dintsi mo kgaolong ya bone ka mowa wa boipelego. Rre Seametso a re banni ba ba Mafhikana ba ne ba isa Rre Chabalala kwa khanseleng ka ditlhopho tsa 2014, kwa a fetileng a tsaya maemo a mothusa modulasetilo. A re mme ga ba ise ba ke ba ngongoregele gore boikarabelo jwa gagwe jaanong e tlaa bo e le kgaolo ya Borwa ka bophara e seng kgotla ya ga Mafhikana fela. A re go le gantsi fa motho e le moemedi wa batho a ba a feta a neelwa boikarabelo jo bongwe banni ba kgaolo ya gagwe ba a tle ba ngongorege mme ba ga Mafhikana bone ga ba ise ba supe fa ba na le bothata. Rre Seametso a re ka jalo Rre Chabalala o ne a sa emela banni ba Mafhikana fela. A re o fetile a tsena mo dikomiting tse dintsi jaaka lekgotla la dikhansele ya BALA e a neng a dira mo go yone ka natla. A re Rre Chabalala o ne a sa dire mo lefatshing leno fela. O ne a kgona go ya go emela lefatshe leno mo Afrika le kwa mafatshing a mangwe kwa ntle ga Afrika. A re o kile a ya go fetsa dibeke tse tharo kwa ntle ga Afrika. O bile a re mo mesepeleng e yotlhe banni ba ga Mafhikana ba ne ba sena letsapa le ba fisang pelo ka ba ne ba itse fa e se moemedi wa bone ba le bosi mme e le wa setshaba ka kakaretso. Rre Seametso a re fa ba tsena mo maemong a bodulasetilo ene le Ree Chabalala bangwe ba ne ba nyatsa ba ipotsa gore a mme ba tlaa kgona ka e le batho ba babotlana. A re mme ba kgonne e bile ba dirile tse dikgolo. A re nngwe ya tse ba di kgonneng ke go tsenya dipone mo ditseleng tse ditona tsa motse wa Kanye, a tlhalosa fa go tswa kgakala go lelwa ka lefifi mo motseng oo. O boletse fa Rre Chabalala a ntse a tlhokometse dikgaolo tse di kgakala le ditlamelo. A re mme o dirile bojotlhe mo e bileng dingwe tsa tsone di le mo seemong sa mengwe metse e megolwane. Rre Seametso a re Rre Chabalala o tlhabolotse dikgaolo tseo ka mananeo a puso a tshwana le go abela batlhoki dipodi, e le nngwe tsela ya go ba ntsha mo lehumeng le go isa bana ba bone kwa dikoleng. A re bana ba dikgaolo tseo ga go motlhofo gore ba ka tsena sekole ba bo ba wetsa dithuto tsa bone mme Rre Chabalala o ne a ba leka, a tlatsa ka go re Rre Chabalala o ne a setse a fetogile motsadi wa bana bao ka jaana e ne e a re ba sa ya sekoleng a bo a bidiwa. Fa ba mo kgwa dikgaba, banni ba ne ba leboga mme ba supa fa tsela e e dirilweng ka ditena e e mo kgaolong ya bone e sa wela sentle ba belaela fa e sa tshelwa motlhaba. Ba re mathata a mangwe a bone ke letlhoko la metsi. Gape ba supa fa dipone di sa bereke sentle mo kgaolong ya bone. Gape ba ntshitse matshwenyego a gore konteraka nngwe e e direlang mo motseng wa Kanye e epa mmu gaufi le letamo la Mmakgodumo mme ba ntsha poifo ya gore e ka felela e tlogela mmu o o ka tlogang wa katela letamo leo. Rre Chabalala o ne a netefatsa fa ba dirile ka natla mo dingwageng tse tharo tse ba neng ba goga khansele mo go tsone. politics 7 Modulasetilo o rola madi a phimolo keledi Modula setilo wa khansele ya Kweneng, Rre Jeffrey Sibisibi o roletse morafe wa Lentsweletau P3.2 million go duela batho ba ba sutetseng tsela ya Lentsweletau/Mahetlwe/Hatsalatladi. Rre Sibisibi o tlhalositse fa thulaganyo eo, e e weditsweng ka 2010, e ne ya kgorelediwa ke tlhaelo ya madi. A re o lebogela gore tsela e betlegile gore ba ba amegileng ba phimolwe keledi, le fa go tsere lobaka. O tlhalositse fa koketsego ya madi ao go nna P3.2 million go tswa mo go P2.2 million e le sesupo sa gore puso e tlhaloganya fa go nnile le kgolo ya ditlhwatlhwa. Rre Sibisibi o ne a kopa morafe wa Lentsweletau go amogela gore seemo se, se ne se se mo taolong ya bone, mme ba lebogele gore go bonwe madi a phimolo keledi, a tlatsa ka go re maiteko a tsweletse go batla madi a kago ya tsela. Mangwe a matshwenyego a modulsetilo a neng a a tsibogela e nnile kgang ya tiego ya go wediwa ga ditiro tsa ditlhabololo, ka thobaelo ya go re ‘tiego e tsala tatlhegelo’. Mongwe wa banni, Mme Ireen Kekgobilwe o supile fa a tshwenngwa ke ditsholofetso tsa gangwe le gape tse di tsayanag lebaka go diragala, a supa fa a tla a belaela gore di amana le go ngoka kemo nokeng ka dikgang tsa sepolitiki. “Go a tshwenya gore re bo re sale re solofediwa go dirwa ga tsela ka 2008 e le pele ga ditlhopho, mme kgang ya phimolo keledi e le gone e dirwang morago ga dingwaga tse some,” ga bua Mme Kekgobilwe. Ramaranyane wa khansele, Rre Gaborone Phiri, o kopile ba go fudusiwa ga bone go tlaa amang mabitla go amogela tiego, ka e tlaa rarabololwa ke tona wa lephata la botsogo le boitekanelo, yo e leng ene ka nosi a tshwereng boikarabelo jwa thulaganyo eo. Mabapi le dikgang tsa gore Khansele e busetse dikomiti tsa ditlhabololo madi a a setseng mo ditirong tse ba di tshwaetsweng, Rre Sibisibi o tlhalositse fa madi a a setseng a dirisiwa go tsweledisa ditiro tse dingwe. Mabapi le keletso ya kgokelo ya di tower lightsdipone tse di gaseletsang mo Lentsweletau, Mokhanselara Gabaraane o supile fa ba tsere tshwetso ya go dirisa tsa marang a letsatsi ka go supa fa P4 000 wa theko ya motlakase kgwedi le kgwedi a babalela sekgwama sa khansele. E ne ya re kwa bowelong jwa phuthego eo, molaodi wa kgaolo, Mme Bernice Berman-Mosime a ya go lekola seemo kwa sekoloeng se segolwane sa Motswakhumo le kokelwana ya koo, tse go supagetseng di se mo seemong se sentle. Gangwe le gape morafe o kopa gore go dirwe sengwe go tokafatsa bothata joo, ka bo ka ama botsogo jwa baithuti le go digela maduo tlase. Molaodi Bernan-Mosime o ne gape a lekodisiwa fa kokelwana ya motse e e belegisang e sena ditlamelo tse di maleba, gape e tlhoka go ntshafadiwa. society 9 Maikutlo a farologanye ka thekiso ya bojalwa Batswana ba ntshitse maikutlo a a farologanyeng mabapi le tshwetso ya puso ya go emisa thekiso ya bojalwa sebaka sa malatsi a masome mararo. Tshwetso e, ke maiteko a go kganela kanamo ya bolwetse jwa COVID-19 jo bo bakileng ketsaetsego le letshogo mo lefatsheng ka bophara. Batho bangwe kwa merakeng le mafelo mangwe aa kgakala le ditlamelo, ba na le letshogo la gore ba tsile go aparwa ke lehuma, ka ba ntse ba itshetsa ka thekiso ya bojalwa, fa bangwe bone ba re go tlaa thusa go fetola maitsholo a batho segolo jang banana. Le ntswa ba supa fa ba utlwile melaetsa ya tlhagiso ka COVID-19, kwa merakeng ya Hubasanoko le Mmathobola, thekiso ya bojalwa e ne e tsweletse ka tlwaelo. Mme Gaytri Ofentse a re ba tshwenngwa ke go nowa ga bojalwa ka go fapaanela diphafana mo e leng tlwaelo ya batho ba mafelo ao, mo go ka tsenyang matshelo a bone mo diphatseng. Kwa motsaneng wa Kweneng, batho bangwe ba amogetse tshwetso ya puso go emisa thekiso ya bojalwa, ka tsholofelo ya gore e kare e ka nna selo sa sennela ruri le fa bolwetse bo ka fela. Mme Mpulenyane Lebakeng a re e re ka jaana motsana wa Kweneng o ntse o gateletswe ke seemo sa borukutlhi le botlhoka tsebe jwa banana, o na le tsholofelo ya gore seemo se ya go ritibala, ntlha e a kayang e lemosegile mo dioureng di se kae tsa tshimolodiso ya kiletso ya thekiso ya bojalwa mo sebakeng sa malatsi a masome mararo. “Motse wa rona o ntse o fetogile Sotoma le Gomora, bana ba sa re utlwe, dipolaano di ile magoletsa ka ntata ya go nowa phetelela ga bojalwa. Ke lemogile pharologanyo mo nakong e khutshwane ya go emisiwa ga thekiso ya bojalwa,” ga tlhalosa jalo, Mme Lebakeng. A re e re le ntswa ba tshositswe thata ke go utlwa ka go tlhagoga ga bolwetse jwa COVID-19, ba amogela tshwetso ya go emisa go nowa ga bojalwa ka nakwana, mo a eletsang e ka nna selo sa se nnela ruri go thusa go aga malwapa le go fetola maitsholo a bana. “Ke dumela fa tshwetso e tlaa thusa le gone go laola metsamao ya bana ba rona ba ba aperweng ke boitaolo, e bile ba tlolaganya masea go siana le bojalwa. Mafoko a gagwe a iteetswe kobo moroko ke Mme Selina Mantshoge ka go supa fa seemo sa bojalwa le tiriso ya ditagi di agolotse banana ba jaanong ba kgokgontshang batsadi, e bile ba sena taolo mo malwapeng a bone. Le fa go ntse jalo, ramapodisi a kgaolo ya Molepolole, Superintendent Motlhaba Ramaabywa o supa dipalo tse di kwa tlase tsa batho ba le bane, ba ba tshwerweng ka go rekisa bojalwa ntle le teseletso le ba le lesome ka go nwela bojalwa mo mafelong a a sa letlelelweng le dikgwebo tsa meriri di supa ka Matlhatso. Kwa Hatsalatladi gone, go ne ga tshwarwa batho ba le masome mararo le borataro ka Labotlhano ba ba neng ba a nwa bojalwa ba kokoane gammogo le morekisi wa jone. Kwa Mmanoko le Gamodubu e nnile batho ba le babedi ba baneng ba a nwa ba tsamaya. Kwa Thamaga, Superintendent Moses Kwarare o tlhalosa fa dilo di ile meriting mo kgaolong e e tlwaelesegileng ka botlhoka tsebe jwa banana. A re go kwadisitswe dikgang di le lesome le bone ka matlhatso. Tse thataro mo go tsone ke tsa marekisetso a dijo tse di buduleng, tse tlhano ke tsa go nwa bojalwa mo mekgwatheng le tse tharo tsa go rekisetsa mo malwapeng, go dira jalo e le go ikgatholosa dikiletso tsa bosheng tse puso e di beileng go lwa ntsha kanamo ya COVID-19. health 6 Shimane o kgothatsa banni go ipelega Rre Kenosi Shimane wa kgotla ya Sekgophane kwa Themashanga a re ga a kgobiwa marapo ke seemo sa gagwe sa go tshela ka bogole ka gonne le ene fela jaaka Motswana mongwe le mongwe o ikatameditse kwa go ba boipelego go kopa dithuso gore a inamole mo lehumeng le a leng mo go lone. Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA, Rre Shimane o tlhalositse fa go tshela le bogole e se phutso ebile go sa mo kgoreletse ka gope go ka itirela go tsenya madi mo lwapeng, segolo jang ka puso le yone e otlolotse letsogo go ba thusa. Rre yoo wa dingwaga tse di masome a marataro le bosupa a re o sale a amule botsipa jwa go betla mo go moswi rraagwe a le dingwaga di le lesome le botlhano. A re e re ka a ne a sa kgone go bereka tiro epe, o bone se e le tshegofatso e e batlang go somarelwa le go amogelwa ka atla tsoo pedi. O tlhalositse fa a simolotse go betla a sale mmotlana a santse a nna kwa motseng wa Sebina le batsadi ba gagwe pele a fudugela kwa Themashanga. O tsweletse a re ka 2010, ba lenaneo la nyeletso lehuma ba ne ba mo tswa thuso ka P2 000 go reka didirisiwa tse a di dirisang mo tirong ya gagwe ya go betla. A re e re le ntswa a ne a sa kgona go reka se a kgaolang ditlhare ka sone, o ikaelela go boela gape kwa go bone go kopa madi a tlaleletso ka a lemogile gore go dirisa selepe go mo koafaletsa kwa pele. Rre Shimane o betla megopo le dikika ka setlhare sa morula, monato le motswere, metshe ka mokoba le mophane fa meropa a dirisa setlhare sa mophete. O tlhalositse fa a dirisa ditlhare tse ka di le thata gape di kgona go itshwarelela ka lobaka di sa thubega mme o tlhalositse gape fa a betla dipora le dithobane. E re ka motse wa Themashanga o le monnye gape o sena mebereko e e kalo, Rre Shimane o supile fa mmaraka e le kgwetlho e tona fa e se fela fa a ka kgabolela kwa toropong ya Francistown e le yone ba khansele ba mo lopang teseletso ya go rekisetsa teng. Rre Shimane o supile fa a kgona go dira madi a a nametsang segolo jang ka dinako tsa ditshupo kgotsa sepe fela sa ipapatso mo kgaolong. O tlhalositse fa go tshela le bogole e se sekgoreletsi, segolo jang fa motho a kgona go itirela ka diatla tsa gagwe. A re Batswana ga mmogo le ba-na-le-bogole ba na le mokgwa wa go inyatsa le go itsapa, a tlhalosa fa bontsi bo tshaba go dirisa mananeo ao ka ba re batho ba bangwe ba tlaa ba lemoga fa ba le kobo dikhutshwane. O rotloeditse Batswana botlhe le ba-na-le-bogole go ikgogela kwa diofising tsa ba boipelego, segolo jang ba ba eletsang go tsena mo dikgwebong mme ba sena madi a go di simolodisa kgotsa go di atolosa. BOKHUTLO society 9 Batsadi ba kopiwa go gagamatsa setoropo Batsadi kwa Thamaga ba kgothaditswe go tswa ka methale e e botoka ya go lwantsha seemo sa ditagi jaaka motokwane le majalwa mo motseng oo ka go lebega e le tsone di rotloetsang kgolo ya borukutlhi jwa banana jo bo tshedisetsang banni mo poifong. Seo se boletswe ke mogolwane wa sepodisi ka fa tlase ga lekalana le le itebagantseng le tiriso ya ditagi, Assistant Superintendent Osefile Mmitseng, mo phuthegong ya kgotla e morafe o supileng fa o tlhobaela mabapi le go repisa segole le go bipa mpa ka mabele ga botsadi mo dikgannyeng tsa botlhoka tsebe jo bo godileng kwa motseng oo. Motse wa Thamaga o hupeditswe ke dikgang tsa kgolo ya botlhoka tsebe jwa banana ba ba tlhorontshang morafe, ba go kaiwang bontsi jwa bone e le baithuti ba ba ipitsang ‘Matsetsenkane le Merubisi’ Assistant Superintendent Mmitseng a re ofisi ya gagwe e lebanwe ke dikgwetlho tsa kgolo ya dikgang tsa tiriso ya ditagi mo go amileng dikole thata ka thotloetso ya batsadi bangwe ba ba rekisetsang bana le go roma bangwe ba bone go rekisa mo dikoleng. O gwetlhile batsadi go emisa go mpampetsa diemo tseo ka go bipa mpa ka mabele e sere kwa bofelong ba iphitlhela ba godisitse dira tse di yang go felela di ba tsogologela. O tsweletse a ikuela mo morafeng go upolola batsadi ba ba senang boikarabelo ba ba rekisetsang bana motokwane, a re ke yone tsela e e ka thusang go lwantsha masula a. Leloko la lekgotla la magolegwa a a ikagileng sesha, Rre Mothei Sejakgomo o ikuetse mo bananeng ka ene go itse fa borukutlhi bo sa duele ka jalo a ba kopa go ikaga go hema botshelo jwa kgolegelo jo a kaileng bo le makgwakgwa fela thata. Fela jaaka dibui tse dingwe, Rre Sejakgomo a re go sa kgalemele bosula ja bana ke go itlhaba ka thipa mpeng ka jaana ba felela ba busolosetsa mo batsading gonne ba paletswe ke go ba oba go sale gale. O tsweletse a tlhagisa batsadi go emisa mekgwa ya go amogela dithoto tse di senang motlhala go tswa mo baneng. Moruti wa Faith Mission, Rre Jobe Koosimile o gwetlhile batsadi go itsheka-tsheka le go ipotsa tse ba sa di direng sentle mo kgodisong ya bana ba bone. Mokhanselara wa Thamaga Bokone, Rre Pabalelo Motaosane o nyaditse seipato sa gore ditshwanelo tsa bana di kgoreletsa kotlhao ya bana crime_law_and_justice 1 Kago ya molelwane e tsweletse sentle Kago ya molelwane o o kgaoganyang dipolasi tsa Haina Veld le mafudiso a morafe mo kgaolong ya Bokone Bophirimae e simolotseng ka ngwaga wa 2011 e tsweletse sentle . Moanamisa mafoko mo lephateng la temo thuo, Rre Bautlule Kealatotse o tlhalositse fakago eo, e solofetswe go wela ngwaga ono o ya fifing. Are go setse go agilwe dikhilomethara di le 164, mme ba saletswe ke 106. A re ditlhotlhomiso di supa fa bolwetse jwa tlhako le molomo jo bo tlhasetseng kgaolo eo bo bonala thata mo leruong le le nnang mo mafudisong a a tlhakanetsweng fa kwa dipolaseng bo seyo. Rre Kealatotse o kaile fa go wediwa ga molelwane oo go tlaa fa barui ba dipolase sebaka sa go rekisa leruo la bone ka jaanong ba tlaa bo ba le mo kgaolong e e nang le tshiamelo ya go rekisa kwa mebarakeng e e kwa ntle. O tsweletse a tlhalosa fa maikaelelo a puso e le go batlela barui ba Nhabe mebaraka ya dikgomo tsa bone, ka ba tsere lobaka ba sa rekise leruo gope ka ntlha ya bolwetsi jwa tlhako le molomo. A re e re le fa ba kopana le mathata a a tshwanang le a go tlhaela ga didirisiwa, ga go kgoreletse mo go kalo ka ba kgona go tsaya didirisiwa kwa dikgaolong tse dingwe mme ba tsweledise tiro. O supile fa mathata magolo a ba kopanang nao e le gore lefelo lengwe le le siketsweng dipolasi gaufi le kgaolwana ya Kareng ga le ise le tlhabololwe ka jalo go ama fa molelwane o tshwanetseng go tsamaya teng. Bokhutlo health 6 Molaodi o rolela khansele ditlhabololo Molaodi wa ditlhabololo kwa kgaolong potlana ya Bobirwa, Rre Claude Batsileo boleletse makhanselara koo ka ditlhabololo tse di tlaa dirwang mo lenaneong la ditlhabololo la NDP11 le la dikgaolo la DDP8. Rre Batsile a re mo dikopong tse di neng di tsentswe, lephatla la itshireletso, molao le thokgamo le tlaa aga diofisi tsa sepodisi kwa Semolale le matlo a mapodisi a le 26 ka ngwaga wa madi wa2017/18. A re go tlaa agwa ofisi ya sepodisi gape kwa Mmadinare le matlo ale 55 ka ngwaga wa madi wa 2020/21 fa Tsetsebye le ene a tlaa agelwa ofisi ya sepodisi fa mo Bobonong go tlaa agwa matlo a mapodisi. Fa a ama lephata la botsogo, a re lone mo dingwageng tse tharo le tlaa godisa dikokelwana tsa Gobojango, Molalatau, Semolale le go aga kokelwana ya Borotsi e yone e tlaa bong e belegisa, fa kwa Tsetsebye go tlaa godisiwa kokelwana eo go nna kokelo, fa kokelo ya Bobonong le yone e tlaa godisiwa. Rre Batsile a re kokelo ya Mmadinare e tlaa godisiwa ka ngwaga wa madi wa 2019/2020. O supile fa mo go tsa thuto go tlaa tlhabololwa dikole tse dipotlana tsa Bobonong, Tshokwe, le Tlapalakoma. Fa ba tswa la bone, makhanselara mangwe a ne a supa fa a sa itutmelele lenaneo le la ditogamaano ka le kgaphetse ditlhabololo tse di botlhokwa kwa ntle. Mokhanselara wa Mmadinare/ Damochujenaa, Mme Banabotlhe Mothobi a re o tshwenngwa ke gore ofisi ya sepodisi e e tlhokegang ka bofefo e tlaa dirwa ka 2020/21, a supa fa borukutlhi bo godile mo kgaolong. Mme Mothobi a re le kokelo ya Mmadinare e tlhoka go potlakelwa ka gore e thusa setshaba se sentsi. Mokhanselara wa Motlhabaneng/Lentswelemoriti Rre Victor Mphee a re le fa a amogela lenaneo, kokelwana ya Motlhabaneng e thusa bontsi jwa setshaba mme e tshwanetse go ka bo e tsentswe mo ditogamaanong. Mokhanselara wa Tobane/Tshokwe ene a supile fa kgaolo ya gagwe e saletse kwa morago e bile kgodiso ya dikokelwana tsa metse eo e sa tsenngwa ntswa e tlhokafala. Mokhanselara wa Mmadinare borwa, Rre Moses Seeletso a re o tshwenngwa ke gore ditsela tsa Mmadinare di maswe mme di seegetswe fa thoko, a supa fa a sa amogele lenaneo. Rre Sylvester Masweu wa Mmadinare/Robelela a re bone ba ne ba batla gore go dirwe ditsela mo Mmadinare ka e le tsone letlhoko legolo. Le fa go ntse jalo, modulasetilo wa khansele, Rre Nathaniel Moribame le Mme Philly Segabowa Lepokole/Borotsi ba ne ba kopa makhanselara go wela maikutlo ba supa fa ditlhabololo tse dintsi tse setshaba di neng di di batla di sa kgonagala. Rre Moribame a re ditlhabololo tse banni ba di tlhokang thata jaaka tsela ya Tsetsebye/Moletemane, Mathathane/ Motlhabaneng ga di yo mo lenaneong la ditogamaano. Mokwaledi wa khansele potlana, Mme Gomolemo Moepeng a boletse fa ba ne ba loga ditogamaano tse ba na le dikomiti ga mmogo le makhanselara mme tsa rulaganngwa ka letlhoko la tsone. BOKHUTLO politics 7 Banni ba Maake ba lebogela dimpho Kgosi ya Maake, Kgosi Boipelo Moilwa o akgotse badiri ba khamphani ya Majwe, go bo bane ba bona go tshwanela go abela banni dimpho tsa dikobo. Kgosi o dirile kakgolo eo mo kabong dimpho kwa motseng oo bosheng. Kgosi Moilwa are go aba dimpho ke go supa boikarabelo le go tsaya karolo mo go diragatseng matshego le dipilara tsa toro ya sechaba ya tebelopele ya 2016. A re se se tsamaelana le dithuto tsa baebele jaaka ere rata mong ka wena jaaka o ithata. Rre Moilwa one a kopa morafe wa gagwe go amogela dimpho tseo ka matsogo oo mabedi, a re mpho ke selo se se senang tlwatlwa le fa ele sone sekale tota. A re fa motho a fa yo mongwe goa bo go sa reye gore ene ga se motlhoki a re ba komponi ya Majwe le bone ke batlhoki ka go na le tse le bone ba di tlhokang.Mme fela ka lorato le kutlwelobotlhoko e ba nang le yone ba ne ba bona go tshwanela go tla go abela banni ba Maake dimpho tse di kanakana tse le bone ba di bereketseng ka bongwe fela jwa pelo le ka maikaelelo a go dira se ba se dirileng mo motseng wa Maake letsatsi la gompieno. Rre Moilwa one a kopa ba ba neng ba abelwa dimpho tseo go di tlhokomela le go di dirisa ka fa go tshwanetseng ka teng, a ba a ba kgothatsa go leboga ba komponi ya Majwe le botlhe ba ba kileng ba ba abela dimpho ka se se supa fa go na le batho golo gongwe ba ba kgathalang ka matshelo a bone le motse wa bone le fa o le kgakala le ditlamelo. Moanamisa mafoko wa komponi ya Majwe, Rre Archibald Ngakagae are bane ba nna fa fatshe ba thulanya ditlhogo ba bo ba ipotsa dipotso e le ba komponi ya Majwe mme ba lemoga fa sechaba sa Botswana se na le letlhoko le matshwenyego aa farologaneng lefatshe ka bophara ba bo ba lemoga fa puso le yone ka nosi e ka se kgone go thusa batlhoki le masiela le ba ba tlhokang tse dingwe tse di farologanang nko ntle ga kemo nokeng ya bone. Rre Ngakagae a re ba ne ba gwetlhwa ke mangwe a matshego a tebelopele ya 2016 ya tshaba ee kutlwelobotlhoko ee siameng ee ratang batho botlhe. A re batho ba motse wa Maake ba seke ba tshwenngwa ke go bidiwa batlhoki le go nna kgakala le ditlamelo, bone e le ba komponi ya Majwe baa ba rata e bile ba bona ba tshwana fela le metse ee gaufi le ditlamelo. Rre Ngakagae a re ba thusitse metse e mentsi mo tikologong ya toropo ya Jwaneng mme jaanong ba simolotse go atologela kgakala le toropo eo. A re maikaelelo a bone ke go tswelela bawa ba bo ba tsoga le ba ba tlhokang dithuso lefatshe ka bophara. BOKHUTLO society 9 Gulubane o ‘bete se molangwana Banni ba metse ya Gulubane, Masingwaneng le Mambo kwa kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima, ba re ba sebete se molangwana mabapi le ka fa ditlhabololo le ditlamelo di gorogang kwa metseng ya bone. E rile ba akgela mo diphuthegong tsa kgotla di buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Biggie Butale kgwedi eno e le masome a mabedi le borataro, ba supa fa ba tshwenyegile ka fa ditlhabolo le ditlamelo di leng boutsana ka teng go goroga kwa go bone. Ba re nngwe ya dilo tse ba tswang kgakala ba lela ka tsone, ke tsela ya Hubona-Sechele-Masunga, e e lomaganyang metse ya bone e bile e le yone e ka khutshwafatsang mosepele wa bone wa go ya kwa Masunga, ba kaya gape fa ba sa bolo go ikuela ka seemo se maswe sa ditsela tse di mo tikologong ya bone mme go se kgato epe e e tsewang. Banni ba metse eo, ba boletse fa ba ne ba na le tsholofelo ya gore gongwe lenaneo la go rudisa itsholelo la Economic Stimulus programme le tla ba tswa matshidiso ka go araba selelo sa bone sa go dirwa ga tsela eo ya Hubona-Sechele-Masunga mme ba swabile nko go feta molomo go utlwa fa go sena sepe se se akareditsweng mo lenaneong leo, se se amanang le ditsela tsa tikologo ya bone. Mongwe wa banni ba Masingwaneng, Mme Kebifetswe Modikwa o ne a supa fa mapalamente a a tsena ka go tlhatlologana ga bone mo kgaolong eo, ba tlogela selelo sa ditsela e le sa kgoranyo ya meno. Kwa Gulubane gone, banni ba re seemo sa ditsela tsa motse wa bone se ngomola pelo, segolo jang fa dipula di na, ba tlatsa ka gore ditsela dingwe tsa motse di ralalwa ke melatswana e e reng e tletse e kganele batho go tlolela ntlheng e nngwe ya motse. Ba re se se utlwisang botlhoko go feta, ke go bo nako nngwe bana ba bangwe ba felela ba fetwa ke dithuto, ba kganetswe ke metsi go kgabaganya melatswana go ya sekolong, mo godimo ga moo, banni bangwe ba tlhalositse fa seemo seo se baka gore nako nngwe ba tlelwe ka dikakanya tsa go fudugela go sele, kwa go nang le ditsela tse di botoka. Banni ba Masingwaneng le Mambo bone ba buile ba sa kgwe mathe, ba re go supa fa metse ya bone e kgapetswe ntle mo ditlhabololong, ke ka moo e neng ya rontshiwa sebaka sa go akola molelo wa kgolagano, o o tsweletseng ka go dikologa dikgaolo tsa lefatshe leno. Ka jalo banni ba ne ba ikuela mo mopalamenteng wa bone gore go dirwe dithulaganyo tsa gore molelo oo, o buselediwe mo kgaolong, go tla o isiwa kwa metseng ya bone pele o wetsa loeto la one. Banni ba metse eo ka boraro ba ne gape ba supa lekalana la metsi, la water Utilities Corporation ka monwana, ba tlhalosa fa le sa tsibogele tshenyo epe e e leng teng tebang le phatlalatso ya metsi, go akarediwa medutlo le go sa berekeng ga dikarata tse di gang metsi mo dipompong tsa setshaba. E rile fa a araba mabapi le ngongorego eo, modiri gotswa kwa lekalaneng leo, Rre Modisaotsile Keetile a tlhalosetsa banni fa ba sa tswa go rutuntsha badiredi bangwe go nna ba tsibogela go baakanya didirisiwa tsa go ga metsi ka dikarata, a tlatsa ka gore medutlo e bakwa ke go bo mealo ya phatlalatso ya metsi e le megologolo ka jalo e batla go ntshafadiwa. Rre Keetile o boletse fa go le gantsi ba tsibogela medutlo e metona pele, go netefatsa gore metsi a goroga kwa bathong, mme e bo e le gone ba tsibogelang e menyenyane. Fa a tswa la gagwe, mopalamente Butale o ne a itsise banni ba Gulubane fa mo ngwageng ono, ka fa tlase ga ESP, kokelwana ya bone e tla atolosiwa fa ba motse Mambo bone ba tla agelwa diofisi tsa kgotla, a gwetlha banni ba metse eo, go nna ka tsholofelo ya gore ditlhabololo tse dingwe di tla akarediwa lenaneo le ntse le tsweletse ka jaana le tla goga dingwaga tse tharo. Rre Butale o ne a bo a ba gwetlha go ipaakanyetsa moletlo wa monongwaga wa boipuso, o ka one lefatshe leno le tla bong le digela dingwaga tse di masome a matlhano le ipusa. politics 7 Dirang ka botswerere Maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa Otse a kopilwe go bereka ka botswerere le go seegela dikeletso tsa bone kwa thoko gore ba tle ba kgone go dira tiro ya morafe ka botlalo. E rile a bua mo thuto puisanong ya maloko a VDC kwa Otse bosheng, Kgosi Mothusi Tsetse a ba gakolola go tla ka methale e ba ka tsenyang madi mo letloleng fa ba fitlhela go sena sepe le gone go tsena diphuthego tsa khansele gore ba itse se se diragalang mo kgaolong ya bone. E ne ya re a tswa la gagwe, mogolwane go tswa kwa ofising ya Boipelego kwa Ramotswa, Mme Martha Kamodidi, a tlhalosa fa maikaelelo a thuto puisano e le go tlhatlhelela maloko ao ka tsamaiso ya VDC, go ba ruta ka mananeo a a leng teng mo lephateng la Boipelego le go ba tlhatlhelela ka makalana a ba ka a dirisang go ikopela madi. Mme Hendrianah Hangero go tswa kwa lephateng la Community Development kwa Gaborone, o tlhalositse fa go tlhophiwa ga komiti ya VDC, go tshwanetse ga dirwa ke morafe . O tlhalositse fa go tshwanetse ga tlhophiwa motho yo o itseng go bala le go kwala, a le dingwaga di lesome le borobabobedi go ya kwa godimo e bile a na le karata ya Omang gape a dumetse go tlhophiwa. O tsweletse a bolela fa tiro ya ntlha ya VDC e le go sekaseka letlhoko la motse, le go tswa ka ditselana tsa go intsha mo lehumeng ba dira se ba na le morafe. O tlhalositse fa leloko le batla go tlogela komiti ya VDC, le tshwanetse go ba itsese mo kgweding tse pedi pele le tlogela gore go nne le nako ya go dupa dibuka. Mme Hangero o boletse fa komiti e na le thata ya go seegela fa thoko leloko le le nang le dikgang tse di tlhotlhomisiwang le le le nang le boitshwaro jo bo sa itumediseng. society 9 Komiti e itumelela tirisanyo mmogo Modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo tsa Xhosa 1 kwa Mahalapye, Mme Gabofele Sabangwe, o galaleditse tirisanyo ya bone le maphata a a farolaganyeng a puso. Mme Sabangwe o buile se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso, bosheng. E rile fa a lekodisa mopalamente ka komiti ya bone, Mme Sabangwe a tlhalosa fa ba na le tirisanyo ya motia le maphata a puso. A re mokhanselara wa bone o bereka ka thata go ba biletsa botlhe ba ba tlhokanang le dithuso tsa bone selo se ba neng ba sa se se itse gotlhelele pele. A re ba na le tshwaragano le dikolo tse di mo kgaolong ya bone , kokelwana le tse dingwe e bile ba solofetse le ditlhabololo jaaka go okeletswa matlwana a borutelo. Mme Sabangwe a re one a ntse a ngongorega ka palo e e ko tlase ya babereki ba ipelegeng mme jaanong seo se fetogile ka palo e tsholetsegile e bile banana ba e tsaa ka tlhwaafalo. O tlhalositse gore komiti ya gagwe e mo dipaakanyong tsa go agela motlhoki mongwe ntlo e ba tla a e ntshetsang madi , go dira dijo tsa maitseboa le go kopa dithuso mo dikereke tse di farologanyeng. One a kopa Mopalamente gore ba sekaseke go dira gore kokelwana ya bone e dire tsatsi lotlhe ka e ntsha ditirelo tse di kgotsofatsang e bile go sokodisa fa go na le molwetsi yo o tlhokang thuso ka bonako go ya dikokelong tse di kgakala bosigo. Mo dikganyeng tse dingwe banana ba tlhalositse fa ba itemogela tiego mo lenaneong la lenyeletso lehuma ntswa ba ne ba tseneletse ikatiso bofelong jwa ngwaga e e fetileng. Monana Rre Lucas Jacob a re ene o rontshiwa lenaneo la nyeletso lehuma ka mme yo a tshelang nae a setse a thusitswe ka lone. Monana yo mongwe Mme Segomotso Moreetsi one a tlhalosa fa a ne a ntshiwa mo ithutuntshong ya lenaneo malatsinyana a a ntse a le tseneletse ka a ne a bona tiro ya nama o sa tshwere a santse a letile. E rile fa a araba matshwenyego a bone Mme Tshireletso a tlhalosa fa puso e tla a aba gape madi a go thusa bananamo ngwageng o mosha wa madi. A re puso e lemoga gore go nale baratani b aba nnang mmogo lebaka le leele ka jalo go ka nna thata gore botlhe ba fiwe mananeo ka go dumelwa ba nna mmogo ba ka dira mo lenaneong le lengwe mmogo. A re ga go a tshwanela gore ere o thapilwe go dira mo lebakeng le le khutshwane o bo o ntshiwa mo lenaneong gotwe o a dira ka e se tiro ya se nnela ruri. One a tlhalosetsa banni ka molao kakanyetso wa gore matimela a nne dikgwedi tse tharo a tshegeditswe le gore a tswe ko malatsi a masome a mararo go ya ko go lesome le bone go isiwa ko matimeleng . A re fa monngwa wa kgomo a e bona ko matimeleng morago ga dikgwedi tse tharo o ka e tsaa mme o ka se letelelwe go ka e tsaa ka letsatsi la thekiso kana fa kgomo e le e e letshwenyo e ka bolawa ya rekiswa mme fa monng wa yone a ta a fiwe madi a yone . Monni Rre Makgarapa Makgarapa o ne a ntsha mogopolo wa gore matimela a fiwe ba matlhoko a leruo ka ba na le kitso yotlhe ka beng ba dikgomo. Are matimela a bakwa ke batlhokomedi ba ba sa direng tiro ka botlalo.“ Mopalamente one a kgothatsa banana go ikemelela ka dinao go itirela mebereko le go bereka mo bananeng ka bone ba ba setseng ba thusitswe go intsha mo lehumeng. BOKHUTLO health 6 Kgosi Ramokobetwane o tlhokafetse Kgosi ya Khudumelapye, Kgosi Edwin Ramokobetwane o tlhokafetse. E rile a lekodisa ba lekalana la dikgang la BOPA Kgosi Itsoseng Gaoonwe, a supa fa Kgosi Ramokobetwane a tlhokafetse ka Mosupologo kgwedi eno e le masome a mabedi, morago ga go lwala ka lebaka. O supile fa kgosi a kile a bona kotsi ya koloi ngogola ka kgwedi ya Sedimonthole, a tswa kwa motseng wa Malwelwe, mme a supa fa e rile ka kgwedi ya Phatwe monongwaga a supa fa a sa tsoge sentle. Kgosi o supile gape fa Kgosi Ramokobetwane a tsene mo setilong sa bogosi ka ngwaga wa 1991 ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola gangwe, morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Mosweu Masono. Rangwanaagwe ebong Rre Labone Dichabeng, o supile fa Kgosi Ramokobetwane e ne e le ngwana wa ga Rre Dikgokong Dichabeng le Mme Mmabokalaka Dichabeng, a tshotswe ka kgwedi ya Motsheganong e tlhola gararo ka ngwaga wa 1957, kwa kgotleng ya Mokwele kwa Khudumelapye. O simolotse sekolo se sebotlana kwa Khudumelapye ka ngwaga wa 1965, mme a tsweledisa kwa sekolong se segolwane sa Kgari Sechele kwa Molepolole go ema ka mophato wa boraro. O ne a ya moepong kwa lefatsheng la Afrika Borwa, kwa a berekileng teng ngwaga a bo a boela gae. O ne a thapiwa ke ba Botswana Police ka ngwaga wa 1978 kwa Palapye. O ne a tlogela tiro ya sepodisi go ya go nna molemi morui, mme ya re ka ngwaga wa 1991 a tlhongwa kgosi ya motse wa Khudumelapye. O tlhalositse fa kgosi a ne a rata tiro ya gagwe thata, a e tlhaloganya e bile a e dira ka matsetseleko, a sena kgethololo. Ka nako ya pego e e kwalwa go ne go ise go nne le dithulaganyo tsa phitlho. BOKHUTLO society 9 Tirisanyo mmogo e a rena kwa Thini Balemi ba kgotla ya Thini kwa Tutume ba supile fa tirisano mmogo magareng ga balemi le molemisi e le e e nametsang thata. Modulasetilo wa komiti ya balemi kwa kgotleng eo, Mme NaiyeNyanga o boletse seo ka letsatsi la go ipelela thobo kwa kgotleng eo. Mme Nyanga a re molemisi yoo, Rre Phate o dirile gore bakgone go lomagana ba le balemi ba Tutume ka jalo ba setse ba le seopo sengwe kaseo se ba diretse tiro motlhofo ka ba kgona go abelana megopolo le maele ka faba ka tlhofofatsang temo ya bone ka teng. A re gape o bolaile mowa o o neng o fitlhela batho baikgaogantse ka dikgotla ba le makgamu ntswa ba le balemi ba motse o le mongweba tshwanetse go thusana ka megopolo le go abelana megopolo ka fa ba kagodisang temo mo kgaolong ka teng. A gatelela ka gore tomagano le lerato le molemi a nang lelone mo balemi le kgonne go dira pharologanyo mo matshelong a bone jaanong babereka ba le ngata e le nngwe ebile ba solofela fa go ya pele ba tla okelabanana mo temong gape ba rotloetsa balemi ba bangwe go lema ka ditselana se balemogile fa balemi ka bontsi ba setse ba se amogela. Rre Norman Nyanga yo o neng a bua a emetse balemi o ne abolela fa ba lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi thata mo temong, di tshwana le Rre Nyanga o ne a ngongorega ka tiego e tsewang ke balemisigo tlhatlhoba diji ba balemi ba di ba begetseng, a re balemisi ba tsaya nako basantse ba kanoka mme thuso e ye go tla morago diji tsone di setse di feditsedijalo. O ne a re gape dipeo di phakisiwa morago ga nako ka jalo akopa gore balemi ba simolole go phakisiwa dipeo ka kgwedi ya Phatwe. Rre Nyanga o ne a kopa balemi go ipaakanyetsa temo nako e santse e le teng ka ebile mosele wa pula o epiwa go sale gale. Mongwe wa dibui, Rre Khumo Mmoloki o ne a kopa balemi gotlhwaafalela temo. A ba gwetlha go dirisa maranyane a segompieno go tokafatsa Rre Mmoloki a re fa e sale go tlhomiwa lenaneo la ISPAAD kangwaga wa 2008 go rotloetsa balemi, balemi ba supile kgatlhego thata ya go A re mo Tutume balemi ba le makgolo mane le masome mabedi lebone ba ne ba lemile diekere tse di 784 mme ba bona dithane di le masome manele borobabongwe ka ngwaga wa 2012/2013 mme ya re ka ngwaga wa temo wa 2013/2014ga lema ba le makgolo mane le botlhano diekere tse di 1030 mme ba bona dithanetse di lekgolo le masome mabedi le borataro. O ile a gwetlha balemi bao go tlogela go dira mo Ipelegengka nako ya temo mme ba tlhokomele masimo a bone ka mo go one ba kgona go ijesamme seo se tokafatse matshelo a bone ba tlogele go ikaega ka puso ka tiro yaIpelegeng e le ya nakwana gape e sa kgone go tsaya palo entsi. BOKHUTLO economy_business_and_finance 3 Dikgang tsa petelelo ga di robatse mopalamente Mopalamente wa Bokone Bophirima, Rre Dumelang Saleshando, a re o tshwenngwa ke dikgang tsa petelelo tse di ileng magoletsa kwa Maun. O buile seo fa bomme ba bapagami ba dikuta ba Women Riders World Relay (WRWR) ba ne ba abela mokgatlho wa Women Against Rape (WAR) didiriswa tsa go tlhapa le go tlhatswa kwa Maun bosheng. Rre Saleshando a re dipalo tsa mapodisi di supa fa dikgang tsa petelelo di feta dikgang tsotlhe tsa borukhuthi kwa kgaolwaneng eo ya sepodisi. Ka jalo o ne a supa fa go le botlhokwa gore go tsenngwe letsogo mo kgodisong ya ngwana wa mosimane gore bana ba basimane ba itse go tlotla motho wa mme. A re dikgang tsa polao ya bomme le tsone di kwa godimo kwa Maun. Rre Saleshando o ne a akgolela bomme ba Women Riders World Relay go abela mokgatlho wa WAR oo lebaganyeng le go thusa batho ba ba amilweng ke kgokgontsho, segolo jang bomme le bana. O ne a gwetlha bomme ba bapagami ba dikuta gore ba tsweledise mowa o montle wa go abela ba ba tlhokileng lesego. Rre Saleshando o ne gape a re ba dira tiro e ntle ya go supa fa go kgweetsa dikuta go ka dirwa ke mongwe le mongwe, e bile e se ga batho ba ba makgwakgwafela. Mogolwane go tswa kwa WAR, Rre Lethogile Mpho, o ne akgola bomme bao ka thotoetso ya dimpho e ba neng ba e tshwaraganetse le Botswana Insurance Company (BIC). A re mokgatlho wa WAR o tshela ka dithuso tse o di bonang mo makalaneng a a ikemetseng ka nosi. A re mokgatlho oo wa boithaopo o fa ba ba amilweng ke kgokgontsho bogakolodi le dithuso tsa go seka mo makgotleng a ditsheko. Rre Mpho o ne a akgolela bomme ba Women Riders World Relay go bo ba beile Botswana mo mmepeng ka mabelo ao a dikuta. Mabelo a Women Riders World Relay a simolotse kwa lefatsheng la Scotland mme a tlhotlhoma mafatshe ka maikaelelo a go tshwaraganya bomme le go ba tsibosa ka mabelo a diabesekele. crime_law_and_justice 1 Ba Ngarange ba batla kgosi Banni ba Ngarange kwa kgaolong ya Okavango ba lela ka tiego ya go rolelwa kgosi morago ga gore Kgosi Tshosa Tsheko a ithole marapo. Kgosi Tsheko o tlogetse tiro ka bogodi ka ngwaga wa 2016 mme morafe wa dira maiteko ka 2017 go tlhopa Rre Moheto Nyumba yo ba supileng fa a nonofetse go tsena mo ditlhakong tsa ga Kgosi Tsheko. Mo posolotsong le A re tiego ya go bewa ga kgosi e ba ba ya ka fa mosing a supa fa a eletsa gore maphata a a maleba a ka tsibogela kgang eo ka bofefo. Le fa go ntse jalo, Rre Modimbura o kaile fa e rile ka kgwedi ya Phukwi mono ngwaga, ba etelwa ke lekoko la magosi ba romilwe ke Motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Kealetile Moremi go utlwa ka seemo sa bogosi jwa motse wa bone. A re mo bokopanong joo, morafe o ne was supa fa o farologana ka megopolo mabapi le go tlhophiwa ga ga Rre Nyumba ka jalo lekoko la magosi la supa fa le tla gorosa molaetsa mme morago ba buse phetolo. O tsweletse a re morafe o latela ditlamelo jaaka go rurufatsa meriti ya matsalo, Omang, ditsheko le tse dingwe fela jalo kwa metseng ya Sekondomboro, Xakao le Shakawe. Rre Modimbura o boletse gape fa gompieno motse wa bone o saletse morago ka ditlhabololo ka ntlha ya go tlhoka kgosi. “Ditlhabololo di eme tsi! ka jaana re tlhoka bogakolodi jwa ga kgosi. Le motse wa rona o aperwe ke dikgang tsa semorafe mme re dumela gore kgosi fa a le teng o ka re kopanya ra nna seoposengwe ra dira mmogo ka thokgamo,” a tlatsa jalo. Kgosi wa Shakawe, Kgosi Kea Lempadi o tlhalosetse fa kgang ya bogosi kwa Nkarenge e le marara ka jaana motse oo e le makgatlhanelathapong e bile seo se dira gore banni ba farologane ka megopolo. Merafe e e fitlhelwang kwa motseng oo e akaretsa Basarwa, Bayei, Baxereko, Baxanekwe le Bambukushu. A re bangwe ba batla Rre Nyumba a ba etelela pele, fa bangwe bone ba le supa le le fa. Kgosi Lempadi a re le fa go ntse jalo, morafe o mo kopile gore bogolo a ba neele kgosi wa nakwana go ba kgaola maoto le gone go tsweledisa ditlhabololo tsa motse. A re le ene o ba gakolotse go kwalela Kgosi Moremi go re a sekaseke kopo ya bone a tlhalosa fa a sa ntse a emetse mokwalo oo. O tlhalositse fa molao wa bogosi o neela Kgosi Kealetile Moremi dithata tsa go ka tlhoma le go supa mongwe mo motseng go etelela morafe. A re se se diragalang kwa Ngarange ga se tlholo ntsha ka jaana ba kile ba nna le kgang ya mofuta oo kwa Seronga mme kgosikgolo a dirisa dithata tsa gagwe go rarabolola kgang. Mothusa kgosi ya Batawana, Kgosi Bringle Dithapo o supile fa seemo sa bogosi kwa Ngarange se ba fetile a supa fa ba kwaletse lephata la dikgaolo le tlhabololo go lebisisa kgang eo. Kgosi Dithapo a re e re ka morafe o ne o sa tseye tshwetso e e maleba, ba bone go tshwanela go fetisetsa kgang kwa go tona yo o lebaneng go e rarabolola. A re ba emetse phetolo mme fa e gorogile batla ikgata motlhala go ya go e rolela morafe. BOKHUTLO politics 7 Dikgomo ga di a siamela masimo Modusetilo wa lenaneo la go agelela masimo la Mmashoro Cluster Fence, Rre Tebelelo Kebasiile a re o tshwenngwa ke barui bangwe ba ba gananang le kopo ya gore ba ntshe leruo mo teng ga masimo a lenaneo la cluster fencing. Fa a bua kwa moletlong wa go rolela balemi ba Mmashoro Cluster Fence ba ba ikopantseng ba le 150 terata semmuso ke lephata la Tlhabololo Temo-Thuo le Tlhomamiso Dijo bosheng, Rre Kebasiile a re balemi ba Mmashoro Cluster Fence ba ruela mo teng ga masimo mme seo e ne e se tumalano mo molao- motheong wa bone. A re fa go dumalanwa ka terata ke beng ba masimo a a agelelwang, go ne ga gakololwa gore go ntshiwe dikgomo gore go seka ga kgorelediwa temo mme seo ga se diragale. O ne a supa fa ka nako ya temo ba senyediwa ke leruo la bangwe mme e re ba ba lopa dituelo ba bo ba sa dumelane. Ka jalo, Rre Kebasiile o ne a supa fa a sa itumelele gore terata e bo e le mo seemong se se sa itumediseng ka e ne ya senngwa ke ditlou le batho bangwe. A re Lephata la Temo-Thuo le tsere tshwetso e e maleba ka bangwe ba ne ba sa tlhokomele terata ba e bitsa ya puso. A re o na le tsholofelo ya gore e tlaa re ba sena go neelwa terata semmuso ba bo ba e tlhokomela ka e le ya bone. Rre Kemoagetse Pono go tswa kwa khamphaneng e e dirang menontshane ya Boost-Link, o ne a gakolola balemi ba Mmashoro Cluster Fence go tlhoafalela temo. A re bontsi jwa balemi bo na le lefatshe le go ka lengwang mo go lone mme ga ba le leme ba le beile fela. Rre Pono a re lefatshe leno le na le bokgoni jwa go ka itemela la kgona go bona dijo ka mmu wa teng o na le menontshane le metsi a mantsi kwa tlase ga lefatshe. O rotloeditse balemi go itshwaraganya gore ba leme kana ba adime ba ba nang le bokgoni jwa go lema lefatshe. A re fa ba sa dire jalo, ba tlaa felela ba supa puso ka monwana mme e sena mathata ka e ba thusa ka mananeo go le mo go bone go bona gore ba ka dira jang go ntsha dijo. Mogokaganyi wa mananeo a temo-thuo kwa kgaolong ya Legare, Rre Gwilizani Maposa o supile fa go bonala fa bontsi jwa balemi ba Mmashoro Cluster Fence ba sa tlhoafalela temo ka ba sa leme ka mashetla. A re lefatshe le le ageletsweng ke selekanyo sa diekere di le 6 400 mme 1 307.85 wa teng e le yo o setseng a abetswe balemi ke ba lekgotla la kabo ditsha. Rre Maposa a re diekere tse 853.37 tsa lefatshe di setse a epilwe go ka dirisiwa fa tse 5 092.15 di ise a ajwe. O rotloeditse balemi go sala melawana e ba e ipeetseng morago. A re maloko a Mmashoro Cluster Fence ba na le tshwanelo ya go sekisa yo o tlolang melawana e e beilweng. Rre Maposa o tsibositse banni ka lenaneo la go adima bagwebi ba ba nang le kgatlhego masimo a mananeo a cluster fence, a bolela fa le setse le simolotse kwa Leshibitse, Mookane, Kgatleng le mafelo a mangwe. society 9 Balemi ba abelana maele E rile kgwedi eno e le masome a mararo, balemi le balemisi ba dikgaolwana tsa selemisi tsa Mosojane, Mapoka le Zwenshabe, ba bo ba rulagantse mosepele wa go dikologa le masimo a balemi bangwe ba dikgaolwana tsa bone e le tsela nngwe ya go abelana megopolo le go anywa botsipa mo go ba bangwe mabapi le tsa temo. Fa ema pele balemi ka lefoko kwa bokhutlong jwa mosepele oo, molemisi wa diji mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Thabakgolo Onalenna a kopa batho go tsaya temo ka tlhwaafalo ka e le mokokotlo wa botlhokwa mo go ntsheng dijo tsa batho le tsa leruo. A re ga gona ka fa batho ba ka tshelang ka teng ntle le temo, a tlatsa ka gore fa e ka tsewa tsiya, e ka thama ditiro tse di seng kana ka sepe, ka jalo a gwetlha batsadi go rotloetsa bana ba bone go inaakanya le temo gore ba gole ba tshegeditse mowa oo. Rre Onalenna o ne a bo a rotloetsa balemi ba bangwe go gwetlhega mo memoweng go tla ba diragatsa tse ba di amuleng mo baleming ba bangwe mo pakeng e e latelang ya temo. O ne a tlhalosa fa balemi ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba dikile ba lemile ditema di le 11 000 fa go tshwantshanngwa le tse 17 000 tsa paka ya temo ya ngogola. Rre Onalenna a re seo se dirilwe ke go bo dipula di nnile boutsana, a re fela seo se seka sa ba kgoba marapo go ka innakanya le temo. Balemi ba ne ba gakololwa go lwantsha mohero ka metlhale e e farologaneng e tshwana go tlhagola le tiriso ya tshefi go na le go remelela mo motlhaleng o le mongwe fela, go tlhalosiwa fa go le botlhokwa go dira jalo mohero o santse o le monnye gore o seka wa fekeetsa dijalo, ba bo gape ba tlhabiwa podi matseba go lema dijalo tse di ka kgonang go itshwarelela mo mabakeng a a thata a tshwana mogote o o feteletseng. Balemi ba masimo a bone a neng a etelwa ke Mme Chikadzi Rauwe wa Mosojane le Borre John Nswazwi wa Mapoka, Sidney Manyathelo le Tafisa Dube ba Zwenshambe, ba ba neng ba tlhatlhelela batsena letsatsi leo ka tse ba di diragaditseng mo temong ya bone le ka dikgwetlho tse ba kopanang natso di tshwana boutsana jwa pula le diji mo masimong a bone. Fa a ntsha lefoko la kgotlhatso, Rre Dube le ene o ne a kopa balemi go nna le lenyora la go tlhwaafalela temo ka e ka thusa go nyeletsa tlala le lehuma mo malwapeng. Rre Dube a re molemi mongwe le mongwe o tshwanetse ya re ka nako ya temo a bo a eme sentle, a itse le dijalo tse a batlang go di jala, a ba gakolola go tsaya tsia dikgalolo tsa ba tepo loapi ka di ka ba thusa go tlhopha dijalo tse ba ka di jalang. A re mo godimo ga moo, thutuetso le kemonokeng ya balemisi e ka thusa balemi go tiisa moko mo temong, a supa fa seo e le sone se mo thusitseng le ba lelwapa la gagwe go tswa ka maduo a a botoka a ba duleng ka one. Mo mafokong a gagwe a kamogelo baeng, kgosi ya Zwenshambe, kgosi Moses Mabutho o ne a gwetlha balemi go dirisa bodiredi jwa lephata la temo-thuo gore ba kgone go bona dikgakololo tse di ka ba thusang go ntsha maduo a a nametsang. Kgosi Mabutho a re e re ka jaana bangwe ba sa kgona go tswa ka sepe mo masimong, seo se tshwanetse sa ba tlama go itshekatsheka go bona tse ba ka tswang ba sa di diragatsa gore le bone ba tswe ka sengwenyana jaaka balemi ba bangwe. environment 5 Tharabololo ya moepo wa Selebi Phikwe e gaufi Tona wa Ditswa-mmung, Boranyane jwa Pabalelo Tikologo le Tlhomamiso tsa Kgotetso, Rre Lefoko Moagi, o kgothaditse banni ba Selebi Phikwe go nna ka tsholofelo ya gore tharabololo ya seemo sa moepo wa BCL ga e kgakala. Rre Moagi o tlhalositse se bosheng mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Selebi Phikwe Bophirima, Rre Dithapelo Keorapetse. A re bopelotelele le therisano di ka dira gore dikgang tsotlhe tsa go sekwasekwa ga go bulwa ga moepo le tse di amang badiri ba pele, di buisanngwe mme morago go batlwe tharabololo. Tona o ne a supa fa ditiro tsa meepo di le gaufi le pelo ya gagwe, ka jalo a kgothatsa morafe gore o seka wa mo felela pelo. O ne a supa fa a itumelela tirisano mmogo ya moeteledipele yo o neetsweng boikarabelo jwa go tlhokomela moepo wa BCL le dithoto tsa one. Rre Moagi o tlhomamiseditse banni ba Selebi Phikwe fa dikhamphane tse nne di supile kgatlhego mo go rekeng moepo o, a tlhalosa fa tse pedi di setse di le kwa lefelong go dira ditshekatsheko. O supile fa dipuisano tsa gagwe le motlhokomedi wa moepo e le gore ngwaga ono fa o fela, go bo go setse go tserwe tshwetso ka moepo wa BCL. O tlhalositse fa se se tshwanetse go potlakelwa ka go supafala fa moepo o senya madi a mantsi go na le fa o ne o le mo tirisong. Mopalamente Keorapetse ene o ne a supa fa a itumelela go bona tona wa meepo a tsweledisitse loeto la gagwe la go kopana le banni ba Selebi Phikwe, morago ga lebaka le le leele moepo o tswetswe. A re se se tla nontsha dipelo tsa banni ba Selebi Phikwe, ka go supa therisano e Batswana ba itsegeng ka yone. O tlhalositse fa go tswalwa ga moepo wa BCL go ne ga baka kutlo botlhoko e ntsi. O supile fa melao mengwe e siilwe ke nako ka jalo e tlhoka go sekasekwa sesha,a re go tlhoka go duelwa ga badiri ba baneng ba latlhegelwa ke ditiro go bakilwe ke melao e e ba beileng ka fa mosing. Mokhanselara wa Leseding, Mme Phemelo Nthwane, a re le fa banni ba Selebi Phikwe ba amilwe ke letlhoko la ditiro ka bontsi, ba ne ba dira kwa moepong wa BCL, mme se ga se a ka sa ama thuto ya bana ba dikolo. Mme Nthwane a re dikolo tsa Selebi Phikwe di tsweletse ka go dira bontle thata mo maduong a tsone. O ne a kgothatsa batsadi go tshwaragana le barutabana go tsweledisa se toropo e, e itsegeng ka sone. economy_business_and_finance 3 Bohule o tshela ka mogolokwane E setse e le selo modiro kwa Moshupa gore barulaganyi ba mediro mengwe ba natifise mediro eo ka mogolokwane oo tseremang wa ga Mme Moshale Bohule. Mme Bohule a re go letsa mogolokwane ke mpho ya Modimo ka a sa o rutwa ke ope. Le fa go ntse jalo, botswerere jwa ga Mme Bohule ga bo gakgamatse ka jaana mmaagwe, Mme Gaolebale Mokgosi, le ene o ne a tumile ka mogolokwane. Mme Bohule, yo o dingwaga di masome marataro le bobedi, a re o godile a ithaopa go leletsa batho mogolokwane kwa medirong, mme jaanong nako e gorogile gore a dirise bokgoni jwa gagwe go itshetsa. A re o ntse a diragatsa le mongwe wa losika, Mme Aria Bohule, yo bogodi bo neng jwa mo fokoletsa metsamao. “Batho ba setse ba nkitse le mogolokwane wa me, e bile fa ke seo mo modirong ba a lemoga,” a tlhalosa. Mme Bohule a re keletso ya gagwe ke go bona talente ya gagwe e mo direla madi. Mogopolo o, o simologile a sena go lemoga gore yaare a diragatsa kwa medirong go bo go sena sepe se a se supang. A re dingwaga tse tsotlhe o ntse a ithaopa fela mme bangwe ba mo leboga ka bonnyennyane jo ba bo kgonang. Mme Bohule a re o ikemiseditse go tsamaela gongwe le gongwe mo Botswana kwa a ka bidiwang teng ka a ipela ka mpho ya gagwe ebile a eletsa go itsege lefatshe ka bophara. society 9 Mokhanselara o kopa dipone tsa mekgwatha Mokhanselera wa Morupule, Rre Jordan Makhuru, o sa tswa go baa pele khansele potlana ya Palapye megopo ele meraro e mo go yone go dumelwaneng le ele mebedi ya bo e fetisediwa kwa komiting ya khansele ya madi fa wa boraro ane a o boela morago. E rile a ala mogopo wa gagwe wa ntlha o o neng o kopa khansele potlana go akanyetsa go agiwa ga dipone tsa mokgwatlha mo tseleng ya Khurumela, g otswa fa borogong mo tseleng ya Gaborone/Francistown, mokhanselera Makhuru a supa fa gole botlhokwa gore lefelo leo le nne le dipone ka tsele eo e dirisiwa thata. Mo mogopolong wa bobedi one a kopa gore a khansele e a kanyetse go agiwa ga ntlo ya diphutho (Palapye Sub Council Chamber, mabaka a gagwe ele gore ntlo e diphuthego tsa khansele potlana e tsenelang teng ga e lekane e nnye fela thata, mme ebile e diresediwa diphuthego tse di farologaneng le one manyalo tota ke khansle le molaodi, are seo gape se ka thusa gore enne ere fa bagolo ba tsile ba kgona go kopana le bodiredi fa go phothulogileng teng gona le go dirisa madi a mantis go firisiwa kwa dioteleng. Ene yare a ala kgang ya gagwe are o tswa go bone kago e ntle kwa Bobonong, e e agilwe ka lenaneo la ipelegeng, are fela jalo le khansele potlana ya Palapye e kaya gotsaya malebela teng yabo ya tsaya maele gore bakgonne jang, are kago ya mofuta oo etlaa solegela dikokomane tse ditlang molemo , a lebeletse gape gore lefelo le dikgago tsa khensele le leng mo go lone le letona fela thata go ka tsenya kago ya mofuta oo. Makhanselera bane ba farologana ka megopolo, bangwe bare mogopolo o siame fa bangwe bane bare o seka wa sekegelwa tsebe. Gone ga ema mokhanselara wa Lecheng Charles Mabjeng a ema nokeng mogopolo are nako e tsile ya gore balebele pele mo isagong, are ere ka mogopolo osa re go agiwe ka moso, o supa tlhaelo ya diofisi le gosa phuthulogang ga makhanselara ka nako ya diphuthego tsa bone ene o o ema nokeng. Mokhanselera wa Lerala Botlhaba Kabo ketshogile , yo ebileng ele mothusa modulasetilo le ene one a ema mokaulengwe wa gagwe nokeng are a makhanselera ba tsee tsia ka go ema nokeng megopolo e e ntshitsweng ke bone gona le go ema nokeng fela e e yang kwa maphateng a mangwe a puso. Are makhanselera batshwanetse gosupa gore le bone ba a a kanya , ba botlhale baka tla ka megopolo e nang le boleng jaaka wa go agiwa ga khansele Chamber ele bontlha bongwe ja ditlhabololo. Mokhanselara George Makhuru wa Khurumela le ene one a ema mogopolo oo nokeng are, palapye kafa a golang ka teng o thokana le gore ditkhabololo di itepatepanye le go gola ga motse, a supa gore go akanyediwa ga gore Lerala a nne khansele potlana ga go kgoreletsa go ka agiwa ga khansele chamber go lebeletse gore etlaare isagong palapye a bo a ikemetse gotswa kwa Serowe kwa bakopanelang teng ele makhanselera a legare fela botlhe. Are fa mogopolo o tla o wabo o lebile seemo sa nako eo Mokhanselera Opelo Modimooaitse wa Matolwane, Gabagopole Sebele wa Lerala Bophirima le Mphoentle Kabelo wa Mmaphula botlhaba bane baseka ba ema mogopolo oo nokeng basupa fa o sa tsamaya sentle bare one o tshwanetse wa tsengwa mo lenaneong la kakanyetso ya ditlhabololo, gona le gore otle ka tsela e e tsileng ka yone. Mme basupa fa basa bone botlhokwa ja mogopolo oo gore o ka amogelwe, golebeletswe gore go santse go nale lenaneo go akanyetsa gonna teng ga khansle potlana kwa Lerala, seo seraya gore ba batlaa salang batlaa lekana gotsenela mo ntlong Ya diphuthego e e teng basa pitlagane ka batlaa bo bale palo potlana. Mokhaneselara Kabelo one are ene o bona goka akanyediwa go reka dikharavene, fela jaaka di dirisiwa ke khansele potlana ya Thamaga/Mogoditshane, gona le go akanyatsa dikago tsa sennela ruri. Mogopolo oo le one one wa fitisediwa kwa komiti yang madi ya khanele gore go o lebelelwe, morago ga gore o engwe nokeng ka go tsholetsa matsogo. politics 7 'Supang lerato ka go abelana' Moruti Joe Linga wa kereke ya Headmountain kwa Mosetse a re badumedi ba tshwanetse go supa mowa wa kutlwano le lerato ka go thusa batlhoki. Moruti Linga o buile seo kwa moletlong wa go abela bana ba kereke ya Headmountain ba sekole sa tshipi kwa Tutume ka Sontaga. A re batho ba nna ba ntle ka seaparo sa kereke ba sa itshupe ka ditiro, ba ja ba tsholole dijo ntswa gona le mongwe yo o bapileng le bone yo o tlhokang. O tlhalositse fa seo a se itemogetse ka ba kereke ya gagwe ka ba kile ba etela lefatshe la Namibia kwa ba ile ba bo ntshiwa bana ba ban eng ba le mo seeming se se sa kgathiseng ba apere makgasa mme gab a a ka ba tsaya kgatlo epe go bona gore bana bao ba bona sengwe se se ka fetolang matshelo a bone. A gatelela ka gore tumelo e e senang ditiro ga se tumelo ka jalo modumedi o tshwanetse go bonwa ka ditiro tse di supa lorato le bopelotlhomogi.Moruti Linga a leboga tiro ntle e e dirwang ke ba good samarithans purse,a re ke batho ba kwa mafatsheng a kgakala mme ba lemogile fa gona le bana ba ba tlhokang thuso ya bone ka jalo ba kgona go atolosa letsogo la bone ba thuse bokgakala jo bo kalo. Sebui sa tlotla sa letsatsi leo,mokhanselara wa Tutume borwa,Rre Morris Keaketswe a re seabe sa kereke se se tona thata mo setshabeng ka e aga setshaba,go rotloetsa kagiso le botho.Rre Keaketswe a akgola kereke eo,a re thulaganyo e ba e dirileng entle thata,a tlatsa ka gore kgwedi ya Tlhakole key a lorato ka jalo ba supile lorato mo baneng ba bone. A re gape kereke e rotloetsa matshego a mane a lefatshe,la boipelego,bopagano le la botho tota.A supa gore mo matshegong a mane ao ke gone mo go dirileng gore batho ba obamele ka tshosologo le thokgamo le kgololosego ya go rapela modimo.O tsweletse a bolela fa go supega fa kereke eo ya Headmoutain e sala molao motheo ka sengwe le sengwe se direlwa mo pontsheng.A ba kopa go tswelela ka mowa o le mongwe ka mo go tla dira gore ba kgone go ngoka maloko a mantsi. Morutabana wa sekole sa tshipi sa kereke eo,Mme Withus Moeti o ne a tlhalosa fa dimpho tseo ba di filwe ke ba good samarithans purse e le mephuthelwana ya mabokoso go abela ba dingwaga tse nne go ya kwa go tse di lesome le boraro. Mme Moeti a re ba bonye go tshwanela go abela bana ba ba tsenang sekole sa tshipi go ba rotloetsa go nna bat la dithuto tsa baibile Sontaga mongwe le mongwe.A tlhalosa fa sekole seo se letla ngwana mongwe le mongwe le yo o sa tseneng kereke eo. A bolela fa ba batla go dira pharologanyo mo matshelong a bana ka bana ba tshwara ka pela gape ba kgona go gakolola batsadi ba bone le go ba sokolola tota.O ile a kopa batsadi go rotloetsa bana ba bone go tsena sekole seo le go ba ema nokeng gore maitiko a bone a atlege. religion_and_belief 8 Pilediwa e a lwelwa - Kgosi Modiro Kgosi wa Zoroga mo kgaolong-potlana ya Tutume, Kgosi Thomas Modiro o supile fa a tshwenyegile ka palo e e boutsana e banni ba motse wa gagwe ba tlang diphutlhegong ka yone. A re gantsi ba tla diphuthegong fa ba le mo Ipelegeng fela. O buile jaana mo potsolotsong le BOPA bosheng. Kgosi Modiro a re le maloko a dikomiti tsa motse ga a tsenelele diphuthegong mme e le bangwe ba bogogi jwa motse, ka jalo se se dire gore ba salele morago ka mananeo le ditirelo tsa puso di gorogela mo kgotleng. “Puso e leka ka thata gore e thuse batho mme ga ba batle go amogela seo. Go ne ga tla difomo tsa dikgaisanyo tsa mabelo a banana mo kgotleng mme banana ga ba a ka ba tla pitsong eo ka nako go fitlhelela di fetwa ke malatsi,” go bua Kgosi Modiro. A re metshameko eo e diretswe banana go ka tlhabolola matshelo a bone le go ba ntsha mo mebileng mme ba ganeletse morago fela gona le go kopantsha puso tseleng. O supile fa batho ba tla kgotleng fela ka nako ya phiro ya Ipelegeng mme ba fitlhele e le gore ba fetilwe ke ditirelo di le dintsi ka go sa tsenelela diphuthego. Kgosi Modiro o tlhalosa fa dithuto, ditsamaiso le ditirelo tsa lefatshe di tsewa ka tlhamalalo kwa lekgotleng mme fa batho ba sa tle diphuthegong ga ba na go anywa tseo moro ka ba tla abe ba sa itse sepe ka tsone. O supile fa majalwa a a rekisiwang pele ga nako mo malwapeng e le one a diang batho go ka dira ditiro tsa boithaopo ka ba akanya fa di ba diela nako. Kgosi Modiro a re boithaopo bo tsala katlego ka bo ka isa motho golo gongwe mme batho bangwe bone ba akanya gore ke kgokgontsho. A re maikaelelo a gagwe ke go rotloetsa mowa wa boithaopo mo bathong gore fa go nna le phiro ba lejwe pele e le go rotloetsa boithaopo ka puso le yone e kokonelwa mme batho ba sa batle go itsosa. O ne a wela ka go rotloetsa banana go tsenelela diphuthego ka nako tsotlhe ka dino tagi di sena tswelelo pele fa e se poelo morago fela. Fa modulasetilo wa komiti ya boipuso, Rre Otsetswe Monthe a tswa la gagwe, a re morafe o ne o sa tshologela boipuso mo lekgotleng jaaka dingwaga tse di fetileng. A re boitumelo mo morafeng o o neng o tsile le balalediwa bo ne bo le bontsi fela thata mme se se neng se sa itumedise e ne e le palo e e bohutsana ya setshaba. A re ga go a nna le sepe sekgoreletsi sa letsatsi le fa e se boitseme le bokoa fela jwa maloko a komiti. BOKHUTLO society 9 Mokgatlho o rotloetsa bomme go itshetsa ka botaki le bodiragatsi Modulasetilo wa mokgatlho wa Botswana Association for Women Artists, Mme Omphile Makubate a re mokgatlho wa bone o tlhametswe go rotloetsa bomme go tlhagafalela botaki. O kwadisitswe ka fa molaong ka kgwedi ya Phalane ngwaga oo fetileng. Mme Makubate a re mokgatlho o, o itebagantse le go ema nokeng bomme ba ba dirang tiro ya botaki le bodiragatsi gore ba kgone go itshetsa ka yone. O tlhalositse fa mokgatlho wa bone o kwadisa maloko a bomme ba ba eletsang go thusiwa ka go bapatsa ditiro tsa bone kwa mafatsheng aa kwa moseja. A re mokgatlho o, gape o dira tiro ya go lomaganya bataki le badiragatsi le makgotla a baka bonang dithuso mogo one gore ditoro tsa bone di atlege. Mme Makubatle o boletse fa mokgatlho wa bone o ruta maloko a one go rekisa dithoto le bodiragatsi jwa one kafa tsamaisong ntle le go tsiediwa ke bareki. O tlhalositse fa ba setse ba kgonne go thusa maloko a bone go bona mmaraka oba rekisang dithoto tsa bone kwa mabentleleng a matona kwa mafatsheng a sele. A re mokgatlho wa bone gape o thusa maloko a one aa dirang ditiro tsa diatla go aga mafelo a baka rekisetsang dithoto tsa bone teng. Mme Makubatle a re ba dumalane le balogi ba ditlatlana kwa motseng wa Mathathane gore ba age lefelo le ba tlaa rekisetsang ditlatlana teng. O kgothaditse bomme go ikwadisa le mokgatlho wa bone gore ba tle ba thusiwe go itshetsa ka botaki le bodiragatsi jwa bone. BOKHUTLO arts_culture_entertainment_and_media 0 Banana ba gakololwa go tsaya boikarabelo ka botsogo Banana ba gakolotswe fa botsogo e le boikarabelo jwa bone go tlhomamisa gore ba tshela ba itekanetse e bile ba sa tshelele ka fa tlase ga kgokgontsho. Seo se builwe ke Mme Masego Masunga go tswa kwa Cresta Bosele Hotel kwa moletlong wa Month of Youth Against AIDS MYAA o o neng o rulagantswe ke ba sepodise sa Selebi Phikwe kwa Botshabelo mo Selebi Phikwe. Mme Masunga o ne a supa fa dipalo tsa banana mo Botswana e le tsone tse di kwa godimo, ka jalo ba tshwanetse go itsaya ka tlhoafalo ka e le bone baeteledipele ba kamoso. Mme Masunga o ne a supa fa puso e tlhamile mananeo a mantsi a banana ba ka itlhamelang ditiro ka one, mme se se dire gore ba thape banana ba bangwe. Mme Masunga o ne a ba rotloetsa go dirisa mananeo ka tlhoafalo ka a ka ba ntsha mo lehumeng le le ka dirang gore ba iphitlhele e le ba-tswa setlhabelo mo go angweng ke mogare wa HIV/AIDS le kgokgontsho ka lebaka la go batla madi. O ne gape a supa fa puso e butse dikokelo tse di itebagantseng le banana gore ba kgone go phuthologa go bua ka botsogo jwa bone go sena kgatelelo epe. Mme Masunga o ne a supa fa mo nakong ya gompieno tiriso ya maranyane a segompieno a tshwana le a Facebook le WhatsApp e le kwa godimo thata, ka jalo batho ba tsaya nako e ntsi ba e dirisa mme se se dira gore batsadi le bana ba seka ba nna le nako ya go neelana maele a botshelo. O ne a kgothatsa banana go nna kelotlhoko fa ba dirisa maranyane ka ba ka iphitlhela ba tsene mo dilong tse di ka sekang tsa ba solegela molemo, gape a supa fa mo nakong ya gompieno bana ba ba kwa tlase ka dingwaga e le bone ba ba tsholang bana ka dipalo tse di kwa godimo mme se se ba baya mo diphatseng tsa go tsenwa ke HIV. Mme Portia Jakoba yo e leng mooki kwa sepateleng se sebotlana sa Botshabelo o ne a rotloetsa bomme go tsaya kgato go itlhatlhobela kankere ya molomo wa popelo ka go lemotshegile e ama bomme ka bontsi. Mme Jakoba o supile fa boitshwaro jo e seng jone bo tshwana le go goga motsoko le tlhakanelo dikobo e e sa sireletsegang di ka dira gore motho a iphitlhele a tsenwe ke mogare wa kankere. Kwa bofelong Supritendent Gothusang Badubi o ne a gakolola bomme ba banana go ema ka dinao go itse ditshwanelo tsa bone ka e le bone thari ya setshaba. Supritendent Badubi o ne a supa fa ba tshwanetse go nna sekao mo baneng ba ba santseng ba gola. education 4 Pina ya setshaba e a tlotlwa Mothusa kgosi kwa lekgotleng la Peleng mo Lobatse Mme Tshegofatso Setumo a re go a gakgamatsa go bona pina ya setshaba e sa fiwe tlotla e e e tshwanetseng. Ka jalo o gakolotse ba-na-le seabe botlhe ba rute ka botlhokwa jwa go tlotla pina ya setshaba. Kgosi Setumo o buile mafoko ao mo mafokong a gagwe a kamogelo mo Lobatse jaaka ba lephata la go fa banana dithata metshameko le ngwao ba ne ba tshwere dikgaisanyo tsa metshameko ya kgaolo ka go farologana tsa kgaolo ya borwa. A re pina ya setshaba ga e fiwe tlotla e e tshwanetseng, jalo a kgothatsa gore botlhe batho ba itshekatsheke ba tseye pina ya setshaba ka tlhoafalo ba e efe tlotla e e tshwanetseng. E rile a ema mogolwane wa lephata la go neela banana dithata, metshameko le ngwao Mme Malebogo Mosala a bolela gore metshameko e ke lengwe la mananeo aga Tautona, go lebagana le matlhoki a banana jaaka go tlhoka ditiro, go bantsha mo go inaakanyeng le nnotagi, go ba itsa go tsena mo ditirong tsa botlhoka tsebe tse di ka ba tsenyang mo dipharagobeng jaaka boimana jo bo sa ipaakanyediwang le tse dingwe. Mme Mosala o tsweletse a re le fa go ntse jalo kgang kgolo ke boitshwaro, a re batshamiki ga ba bereke sentle mo go felelang go nna le ditsheko, atlatsa ka gore ba tshwanetse go itse gore lenaneo le leraya eng mo go bone. Mo go tse dingwe Mme Mosala a re lenaneo, le dira gore batshamiki ba ithekise ka bokgoni le ditalente tsa bone mo ba ka felelang ba itshetsa, gape le go ntsha dikgeleke tse di ka aging dikolo go aga batshamiki ba ba farolganeng. O tsweletse a bolela gore ga a itumedisiwe ke kafa batshamiki ba kgaolo ya borwa badirang ka teng a re bakwa tlase fela thata gape bakwa morago a ba rotloetsa go itharabologelwa mme ba tlhabolole ditalente tsa bone. Mme Lame Hetanang, yo e neng e le motshamiki wa karate, gape e le monana wa Lobatse o kgothaditse batshamiki gore gore bafitlhele ditoro tsa bone go batla maitlamo, lerato mo go se base dirang mme tse tsotlhe ditlhoka gore motho abo ana le boitshwaro, jo bo amogelesegang, o ka ratwa wa tlotlwa ke batho botlhe ga o le maitseo. A re mokatisi le ene o ya go lemoga mme a go neele tsotlhe tse o ditlhokang, a tlatsa ka go re ga go na jaaka o ka ja monate o sa o fufulela. Mme Hetanang go filwe tlotla ya motshamiki wa mme wa ngwaga wa 2016-2017, a gapa gape ya mme yo dirang bontle mo Afrika, a nna maemo a masome a mararo le borataro lefatshe ka bophara. E rile a ema Rre Mogotsakgotla Sebopelo a bolela gore botlhokatsebe jo bo ka kgoreletsang metshameko e ke dikgotlhang gareng ga batshamiki a tlatsa ka go re ba tshwanetse go itse gore ba tletse ene mo metshamekong e. Bokhutlo arts_culture_entertainment_and_media 0 Maduo a sekole ga a amane le lefelo Go le gantsi batho ba dumela mo goreng ngwana o ka bona thuto e e lolameng fela fa a tsene mo dikoleng tsa sekgoa, kana a le mo mafelong a a nang le ditlamelo, segolo jang mo metseng e metona, seo se bo se rotloetsa boitseme jwa go dira ka natla ga bodiredi go ntsha maduo. Bosheng jaana mo kgaolong ya botlhophi ya Mmadinare, mo motsaneng wa Diloro dikhilomithara di ka nna masome a supa mo bokone jwa Palapye go ne go le boitumelo jo botona fa batsadi, baratubana le bana ba sekole ba ne ba itumelela maduo a lekwalo la bosupa. Sekole sa Diloro se na le baithuti ba le lekgolo, masome a matlhano le borobabongwe. Fa a tlhalosa ka fa dikole di agilweng ka teng ka setlhopha sa kgaolwana ya thuto, Mogokgo Esther Molelo o ne a re sekole seo se simolotse go tsaya baithuti ba ntlha ka 1989, se le mo kgaolong ya botlhatlhobi jwa dikole jwa Palapye Bokone, mo kgaolwaneng ya Palapye e e nang le dikole tse dipotlana di le masome mararo le bosupa, se wela mo kgaolwaneng ya MOKGADI. Kgaolwana ya MOKGADI, e bopilwe ka metse e le meraro ebong Mogapinyana, Kgagodi le Diloro. Sekole sa Diloro se gaisana le dikole di le lesome le boferabongwe tsa kgaolwana ya botlhatlhobi jwa dikole, se bo se wela gape mo palong ya dikole tsa kgaolo ya Legare tse di makgolo mabedi, masome a matlhano le bosupa, seo se bo se se baya mo maemong a sephatlo mo lekgolong sa dikole tse di dirileng sentle mo kgaolong yotlhe. Ba sekole sa Diloro ba bonye maemo a ntlha mo dikoleng tse di lesome le borobabobedi tse di phadisanang le sone, sa bona maemo a ntlha mo kgaolong ya botlhatlhobi jwa dikole, sa bo sa bona maemo a ntlha mo dikoleng tsa kgaolo ya Legare, tsotlhe di kopane ka go tsaya maemo a ntlha a lekwalo la bosupa ka 93.3 mo lekgolong. Go ne go kwala baithuti ba le lesome le botlhano, ba le lesome le bongwe ba tsaya letshwao la ntlha (Grade A) fa ba le bararo ba bone (Grade B) ba latelwa ke a le mongwe ka (Grade C). Mo go bone Lerato Kebaabetswe o kgonne go tsaya (Grade A) mo dipampiring tsotlhe tse a neng a di kwala di supa. Mogokgo o ne a supa fa botsadi jwa motse wa Diloro bo tshwaraganetse thuto ya bana le barutabana ka ditsela tsotlhe, a re seo ke sengwe sa tse di rotloetsang barutabana go dira tiro e ntle kwa sekoleng. Mme Molelo a re moono wa sekole ke gore go nne le lenaneo la puisano le bodiredi, bana le bogogi jwa sekole gore barutabana ba ikutlwe ba gololesegile go dira tiro ya bone ka kemo nokeng ya gagwe, a itebagantse segolo bogolo le botsogo jwa bone jwa letsatsi le letsatsi. Se sengwe gape ke tshwaraganelo megopolo e e ka tswang ka maduo a a botoka, jaaka ba dumela mo goreng ngwao ya sekole ke gore bana ba bale thata mo sekoleng le kwa lapeng ba thusiwa ke botsadi. Mogokgo a re seo se thusa thata gore ba tle ka maduo a a nang le boleng, a re segolo bogolo motho yo o rutang bana ba lekwalo la bone go ya kwa go la bosupa ene o tlhoka kemo nokeng e e tseneletseng go dira ka natla. Mme Molelo a re ene le barutabana ba gagwe ba dumela mo go supegetsaneng diphoso kwa ntle ga poifo, a re seo se ba a ba berekela ka e bile se agile motheo wa motia wa kgodiso ya ngwana. Sekole sa Diloro ke sengwe sa ntlha go simolodisa dithuto tsa bananyana ka 2014, mme morutabana yo o rutang bana bao ke yo o nang le dithutego tse di kwa godimo tsa degree. Mme Molelo a re le fa letlhoko le le teng ga le bakgobe marapo ka ba sokola ka mo go tweng go neela bana thuto ya boleng jo bo kwa godimo. Morutabana wa lekwalo la bosupa, Rre Rebaone Mosarwa e ne ya re a tswa la gagwe a supa fa go ruta bana ba lekwalo la bosupa e le kgwetlho, mme fela a re go tlhoka boineelo le kemo nokeng ya bodiredi jotlhe le ba e seng barutabana tota. A re o ne a le teng go neela bana tse ba di tlhokang le go ba rotloetsa, fa tiro yone e ne e dirwa ke bana ka go ithuta ka ditlhophana, kwa malapeng le mo sekoleng. A re ba ne ba dira jalo ka go tlhopha bana ba ba tshwarang ka bonako ba bo ba ba golaganya le ba ba tshwarang ka bonya mo ditlhopheng, a re seo se ne sa ba berekela. Rre Mosarwa a re go nna teng ga motlakase mo sekoleng le gone go a thusa ka ba kgona go bala go fitlhelela bosigo le gone ka mafelo a beke tota. Mogolwane wa khamphani ya Stanlib Investment, Rre Moarabi Mariri o ne a gatelela botlhokwa jwa barutabana ba dikole tse dipotlana a re ke bone batho ba ba botlhokwa thata mo go ageng bana go tswa kwa moding. BOKHUTLO education 4 Boleng jwa dithoto pinagare ya katlego ya kgwebo Bagwebi ba ba botlana ba rotloeditswe go rekisa dilwana tse di nang le boleng ka jaana phadisano e le kwa godimo. Thotloetso e, e dule ka mogolwane wa madirelo a ditena a Makoro kwa dikgaisanong tsa bagwebi ba ba botlana tse di neng kwa Palapye bosheng. Mme Dorcus Mosesha a re bagwebi ba ba botlana ba tshwanetse go nna motlotlo ka dikgwebo tsa bone. A re kgwebo e na le dikgwetlho tse dintsi mme e tlhoka bopelotelele. Mme Mosesha a re tebelopele ya setshaba ya 2036 e tlhalosa maikaelelo a puso gore Batswana ba bo ba na le dikitso tsa kgwebo ka bontsi. Mme Mosesha a re go ka nna motlhofo fa bagwebi ba ka dira dikgwebo tsa bone ba itshwaragantse le go tsaya malebela mo go ba bangwe ka seo se ka ba thusa go rotloetsana gore ba kgone go tsweledisa. A re fa ba ka itshwaraganya le ba dikgwebo tse dikgolwane go ka ba thusa go anya botsipa mo go bone a bo a ba lemotsha gore dithuto tse ba di fiwang, ba seka ba ema foo, ba itsholetse ba seka ba emela go thusiwa. Kgosi Samuel Maforaga wa kgotla ya Serorome o kgothaditse gwebi ba botlana go tsaya malebela mo go ba ba ba rutuntshang. A re ba kgothatsane ka kgwebo ke selo se se yang godimo le tlase mme se batla go itshokelwa. economy_business_and_finance 3 Mokubung o kgothatsa Manaledi Mookamedi wa lekalana la Selebi Phikwe Diversification Unit (SPEDU), Dr Mokubung Mokubung, o kopile banni ba Manaledi kwa Tswapong go tsaya ka tlhwaafalo ditirelo tse lekgotla la gagwe le itlamileng go di direla setshaba. Fa a bula semmuso bokopano jwa malatsi a mararo jwa SPEDU le setlhopha sa bomme se se dirang dinkgwana sa Manaledi bosheng, o boletse fa tirisano mmogo ya SPEDU le Manaledi e ka tswa tema fa ba ka nna le popagano. Maikaelelo a bokopano joo e ne e le go buisana ka go dira setlhopha se se tlaa bong se okametse ditlhabololo tsa Manaledi. Dr Mokubung a re SPEDU e ikaeletse go tlhabolola metse mme mo tirong eo ba solofela gore le fa ba thusa metse jalo, ba ba thusiwang ba tsenye megopolo ya bone mme ba seka ba phutha diatla fela. A re ba tshwanelwa gape ke go ntsha megopolo ya gore ba batla setlhopha sa bone e nna se se ntseng jang le gore se tlaa bo se dira ditiro tsa mofuta ofe. O ne a iteela banni ba motse wa Manaledi legofi a bolela fa ba kgonne go tshegetsa ngwao ya bone ya go bopa dinkgwana mme ba felela ba e amogana le dikokomane tsa bone ka go utlwala fa e sale e tswa bogologolong. Ka jalo a re go dirisanya le SPEDU go tlaa nonotsha go bo go tsweledisa tiro ya bone ya go bopa dinkgwana ka ba tlaa felela ba na le motheo le lekgotla le le tlaa tsamaisang thekiso ya dinkgwana tsa bone. Kgosi Batwaetse Mapulane wa Manaledi o ne a tlhalosa fa mmu wa letsopa mo motseng o sale o lemogilwe ka dingwaga tsa bo 1800 mme ba thibelela foo ka ba ne ba bona go na le botshelo. A re esale mo dingwageng tseo go simololwa go dirwa dinkgwana mme le mo nakong eno di a dirwa mme di dirisetswa ditiro tse di farologaneng di tshwana le go apaya, go baya metsi le go kgabisa. A re mo bogologolong mmu o o dubang dinkgwana oo, o ne o dira le mogoma mme kwa matlotleng a banni ba Manaledi go bonala one masalela a megoma eo. Kgosi Mapulane re o ne a utlwalela ka SPEDU mme a bua le bone gore ba thusa setlhopha sa motse wa gagwe gore ba ka dira jang go itshetsa ka dinkgwana tsa bone. economy_business_and_finance 3 Go tshololwa ga ditsheko go busetsa morago Go bolelwa fa e ne ya re ka Matlhatso ka nako ya borobabongwe bosigo mapodisi a Sejelo a begelwa fa bana ba wetswe ke ntlo kwa masimong a Tirwane gaufi le Kanye morago ga pula ya matlakadibe ya letsatsi leo. Mookamela mapodisi a Sejelo Rre Matlapeng a re go begilwe fa ngwana wa dingwaga tse thataro a ne a tlhokafala mme yo mongwe wa tse tharo a ne a bona dikgobalo tse dipotlana mo nokeng. Mapodisi a Sejelo gape a tlhotlhomisa tiragalo e go itlhetsweng rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bone wa kgotla yoora Tlagae kwa Kanye a fitlhetsweng a tlhokafaletse mo ntlong. Mo potsolotsong le Rre Matlapeng a re moswi go tlhalositswe fa a ntse a lwala mme mmaagwe a ne amo tlogela malatsi a mararo go ya masimo mme e ne ya re a boa ka Matlhatso a kgatlhatshiwa kwa kgorong ke go utlwa monko o o sa siamang mme fa a tsena a fitlhela ngwana wa gagwe a tlhokafetse e bile a senyegile. A re ka setopo se ne se senyegile go ne ga rulaganyediwa phitlho mme a bolokwa gone ka letsatsi leo. Rre Matlapeng a re e ntse e le mo kgotleng yoora Tlagae, go begilwe fa dithoto le P5 600 di ne tsa jewa ke molelo morago ga gore beng ba robale ba sa tima kerese mme, mme ba tsosiwa ke monko wa segau bosigo. Mogo tse dingwe Rre Matlapeng o ne a rotloetsa batsadi go tsaya maiakarabelo a go tlhomamisa gore kerese e timilwe pele ga ba robala ka e le borai. BOKHUTLO politics 7 Khansele le DHMT di anamisa molaetsa Bagolwane ba khansele potlana ya Serowe, ba patilwe ke badiri ba lephata la botsogo le boitekanelo, ba boloditse letsholo la go gasa molaetsa wa thibelo kanamo ya mogare wa corona. E rile ka Mosupologo, lekoko leo la etela badiri ba matlhabelo a dikgomo a Serowe, kwa ba fitlhetseng badiri ba eme sentle go thibela mogare wa corona. Badiri ba matlhabelo ba kaile fa le bone ba monetse marulana pele ka go iphapa le go obamela dikgakololo tsotlhe, mme ba bolela fa sebe sa phiri e le gore tiro ya bone e ba patika go bereka ba atumalane thata. Ba re ba leka ka thata go tlhapa ka metsi aa nang le molora nako le nako fa ba ntse ba theogetse. Moanamisa mafoko wa khansele potlana ya Serowe, Rre Onkabetse Ntwe, o tlhalositse mo potsolosong fa go santse go sekasekwa gore badiri ba ka theogela jang. Mokwaledi wa khasele potlana e, Rre Rampootho Kedikilwe, o kgothaditse badiri ba khansele go tsaya dikgakololo le melawana ya ba botsogo ka tsoo pedi. O boletse fa mogare wa corona o anama ka lebelo le le kwa godimo thata, mme go batla babereki ba ititaya ka thupana go ipabalela. Modiri wa botsogo go tswa kwa lekalaneng la DHMT, Rre Mogomotsi Samson, o ne a bolela fa bolwetse jwa COVID-19 bo anama go tswa mo mothong go ya kwa go yo mongwe. A re bo anama fa molwetse wa teng a gotlhola kana a ethimola a sa thiba molomo kana nko kana motho a amana le didirisiwa kgotsa diatla tse di kgotlelesegileng. A re bolwetse bo itshupa ka dikai tsa mhikela, mogote oo kwa godimo, go gotlhola, go hema ka thata, letsapa lele feteletseng le go opa ga tlhogo. Rre Samson o ne a bolela fa dikai di ka gatelela batho ba masole a bone a mmele a leng kwa tlase, bagodi, batho ba malwetse a a sa alafesegeng le ba malwetse a mafatlha. O boleletse badiri ba matlhabelo gore bolwetse ga bona kalafi, mme balwetse ba thusiwa ka kalafi ya dikai tse ba di supang. Rre Samson o ba kopile go tlhapa diatla ka metsi a a phepa le molora le di bolaya mogare, go thiba molomo le nko ka khuti ya sejabana fa motho a gotlhola kana a ethimola, go ikgapha mo go botlhe ba ba nang le dikai tsa mhikela le fa go leng mosuke teng. E re dikgang di eme jalo, Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi erile ka Labobedi a bolela fa go tlaa nna le seemo sa tshoganetso mo lefatsheng leno, ele tsela nngwe ya go lwantsha COVID-19. education 4 Badiredi ba kopiwa go ikgolaganya le morafe Modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng, Rre Thomas Batlhophi o kopile badirelapuso ba ba direlang kwa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng go tsibogela go isa ditirelo gangwe le gape kwa setshabeng. Fa a bua mo bokopanong le badirelapuso ba maphata a a farologanyeng kwa motseng oo bosheng ,Rre Batlhophi a re go lemosega fa batho ba metse e e kgakala le ditlamelo ba saletse morago mo go inaakanyeng le mananeo ka ntlha ya go tlhaela kitso ka mananeo a puso e a ntshitseng a go ba namola mo lehumeng. A re ka jalo go botlhokwa thata gore badirelapuso ba e leng bone baanamisi ba mananeo ba ikgolaganye le morafe gagwe ka go rulaganya malatsi a tshwana le go isa ditlamelo kwa setshabeng le go rulaganyetsa bagwebi ba ba thusitsweng ka mananeo a tshwana le la nyeletso lehuma letsatsi la mmaraka go rotloetsa dikgwebo tse dipotlana. O tlhalositse fa go le botlhokwa thata gore morafe o nne le kitso le gone go tlhaloganya ka dithuso tse puso e di tlhamileng go thusa Batswana,mme a kaya fa seo se ka kgonagala fela fa badirelapuso ba ka etela morafe mo dikgotleng go ba tlhatlhelela. Modulasetilo wa khansele o ne gape a kopa ba ofisi ya boipelego go lekola morafe kgapetsakgapetsa fa ba sena go ba abelwa dithuso tse di farologanyeng go ba fa dikgakololo le go ba tswa thuso fa ba aperwe ke dikgwetlho mo go tsamaiseng dikgwebo tseo. A re fa go na le tshwaragano magareng ga baeteledipele ba metse e e farologanyeng, badirelapuso, mapolotiki le setshaba ka kakaretso maiteko a puso a go nyeletsa lehuma mo lefatsheng leno a ka tswa maduo a a nametsang. O ne a tswelela ka go supa fa go sa thuse sepe gore ka nako tsotlhe mapolotiki le badirelapuso ba supasupane ka menwana mme ba kopanye ditlhogo go tswa ka maano a a ka fedisang dikgwetlho tse di lebaneng setshaba sa lefatshe leno.Fa ba mo kgwa dikgaba, badiri ba maphata a a farologanyeng ba ne ba dumalana le modulasetilo fa bontsi go lebega bo santse bo tlhokana le thuto e e tseneletseng ka mananeo a a leng teng a puso a a itebagantseng le go tokafatsa matshelo a bone. Rraboipelego yo mogolwane kwa Takatokwane, Rre Gerald Mahumba o supile fa ba tla leka ka bojotlhe go rulaganya malatsi a tshwana le la mmaraka,go isa ditlamelo kwa setshabeng le go tshwara diphuthego tsa kgotla go leka go amogana le setshaba thuto ka ditlamelo le dithuso tse ba ka di fitlhelang mo diofising tsa bone. Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya didirisiwa ka ba kgona go nna sebaka ba sena metsi,motlakase mo diofising tsa bone dilo tse a supang fa e le sekgoreletsi mo go iseng ditlamelo kwa morafeng bonolo. politics 7 Komiti e akgolelwa mowa o montle Komiti ya ditlhabololo tsa Thabala mo kgaolong ya Legare e akgoletswe mowa o montle wa kgatelo pele go tsisa ditlhabololo mo motseng wa bone. Kakgolo eo e dirilwe jalo ke Kgosi Abel Kgaboyarona wa motes oo mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng. A re komiti eo e gatetse pele mo go lereng ditlhabololo tsa motse, ka jaana e weditse kago ya leobo la kgotla, le le emetseng go bulwa semmuso kgwedi eno e le masome a mabedi le boferabobedi. O tlhalositse fa komiti e ne e aga leobo le ka mowa wa boithaopo le boipelego ba tshwaragane jalo le morafe selo se a rileng se a eletsega mo setshabeng. Ka jalo kgosi a re mowa o wa boipelego ke o ba tshwanetsweng ke go o akgolelwa ka jaana e le sesupo sa fa ba lemoga fa puso e ka se nne e ba tswa thuso mo sengweng le sengweng ka jaana e santse e lebanwe ke kgwetlho e tona ya letlhoko la madi. A re gape tiro e ke sekao mo Batswaneng gore fela fa mowa wa tshwaragano le popagano o rena mo go bone ga go pale sepe gore ba ka itirela ditlhabololo tsa metse ya bone. O tladitse ka gore go nna le maikemisetso a go isa pele motse mo ditlhabololong ke konokono ya katlego. Kgosi o tsweletse a tlhalosa fa leobo le le tlaa ba thusa go tshwara diphuthego tsa motse mo go lone ba sa kgorelediwe ke sepe. O boletse fa e ne e re go le diemo tse di sa iketlang tsa bosa jaaka go le dipula ba kgoreletsege go tshwara ditiro tsa kgotla di akaretsa diphuthego le meletlo ya kgotla mme jaanong se e tlaa nna selo sa maloba. A re komiti eo e tshela mowa wa boipelego thata ka jaana e dirile go le gontsi ka go itshimolela kgwebo ya go foroma ditena e di rekisetsa batho. O ne a tswelela a re selo se ke leano le le molemo ka le na le letseno le le nametsang la dipoelo mme seo se ba thuse go tlhabolola motse ga mmogo le go bulela banni ba motse diphatlha tsa mebereko. A re gore go foromiwe ditena tseo le go di nosetsa go thapiwa bangwe ka jalo ba bone lemme mme le ba thuse go oba letsogo. Kgosi Kgaboyarona o ne a kgothatsa komiti eo gore jaaka e le tshwanelo ya bone go bona gore motse wa bone o a tlhabologa ba tswelele ba tshware fela jalo a tlhalosa fa leina le lentle le itirelwa. E re dikgang di eme jalo kgosi o bile a kgothatsa dikomiti tse dingwe tsa motse go tsaya malebela a re dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe. politics 7 Kgosi o lela ka tiriso ya dino Kgosi wa kgotla ya Metsiaela mo Letlhakane, Rre Alfred Petelelo o lela ka tiriso ya bojalwa e e kwa godimo mo kgotleng e. Kgosi o buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Boteti botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe bosheng. Kgosi a re seemo sa tiriso botlhatswa ya dino se baka dintwa tse fa gongwe di felelang ka dipolao, a tlhalosa gape gore go na le banana ba e a reng ba sena go dirisa ditagi ba bo ba ipopa digongwana ba tlhasela batho. Kgosi Petelelo a re o kopa gore go sekasekwe kgang e ya dino ka gore e senyetsa bana matshelo mme e le bone babusi ba kamoso. Mo kgannyeng e nngwe, kgosi o ne a supa gore batho ba Makolwane ba hudugetse mo kgotleng ya gagwe, a tlhalosa gore ba tlhoka go fiwa boroko. Kgosi o ne gape a supa fa metobetso e e dirisang ditshitswana e eswa ka bonako go bo go tsaya lobaka gore e baakanngwe a re gape e ja madi a mantsi. Banni ba ba fudusitsweng kwa Makolwane ba ne ba lela sa bohutsana ba tlhalosa gore ga ba tshele sentle ka gore banni bangwe ba a ba kgokgontsha ba re ga ba batlege mo Metsiaela, gape ba ne ba lela ka go re sekole se bana ba bone ba tsenang kwa go sone se kgakala, ba re mariga bana ba patelesega go emelela go santse go le lefifi, seemo se ba reng se ba baya mo diphatseng tsa go tlhaselwa ke dithubetsi. Ba ne gape ba ngongorega gore ba ne ba ntse ba phakisiwa dipeo le ntswa ba sena ditlankana tsa masimo mme jaanong go emisitswe. Ba botsa gore ke eng ba sa bewe mo ditshingwaneng tse ba ntseng ba lema mo go tsone. Mongwe wa banni ba kgotla eo, Rre Banyatsi Saluto a re ba batla go kopana le ba kabo ditsha, a supa gore peo ya batho ba ba neng ba hudusiwa kwa Makolwane ga e a dirwa sentle. A re ba beilwe mo ditsheng tsa bomaipafela fa bangwe ba beilwe mo lebale la metshameko. Rre Baratamang Abue a re ba na le dingwaga ba lela ka peo ya masimo le didiba go se thuso e ba e bonang. A re ba batla go lema le go nosa leruo ka di-tsa bone. Rre Manglo Maboatseleng o ne a botsa gore madi a ma 10million a kae ka ba ne ba solofetse gore ba tlaa direlwa mapagamelo a dibese. Rre Maboatseleng o ne gape a re ba kopa gore ba okelediwe dipompo, a tlatsa ka go re ga ba a phakisiwa dipeo go twe ke bo maipaafela. E rile a araba matshwenyego a bone mokhanselara wa kgaolo ya Metsiaela, Rre Boitshwarelo Mopedi a re o kopile gore go dirwe sekole se sebotlana mo kgotleng ya bone. Rre Mopedi a re ka kgang ya ditsha, o kopile ba kabo ditsha gore ba bontshe banni ba Metsiaela ditsha ba sa lopiwe madi, a tlatsa ka go re ga go na yo beilweng setsha mo go sa yo mongwe. E rile a ba kgwa dikgaba, mopalamente Rre Lelatisitswe a re sekole se teng se bana ba tsenang mo go sone e bile se sekgala se se lekanetseng. Mopalamente o ne a ba lekodisa ka tse di builweng kwa palamenteng e e fitileng le ditlhabololo tse di tsweletseng mo kgaolong. BOKHUTLO crime_law_and_justice 1 'Tsengng diphuthego tsa kgotla' Banni ba Sebina ba kopilwe go tsene diphuthego tsa kgotla ka dipalo tse di kwa godimo gore ba kgone go itse se se diragalang mo motseng wa bone le go itseela melaetsa ka tsoo pedi. Moruti Godfrey Muzila yo e leng moanamisa mafoko a lekgotla la baruti o buile jalo bosheng mo phuthegong e maikaelelo a yone e neng e le go itsise banni ka modiro wa go neela batho dikwalo tsa Genesis le Lefitiko tse di ranoletsweng kwa temeng ya Sekalaka. Rre Muzila o ne a tlhalosa fa kgotla e le gone kwa batho ba ka utlwang melaetsa teng, a tlatsa ka gore go sa tseneng diphuthego motho o a bo a ithontsha ditshwanelo tsa go itse se se diragalang mo motseng wa gagwe. Moruti o ne a tlhalosetsa banni fa lekgotla la Baebele la Botswana le tshwaragane le ba lekgotla la baruti ba tlaa dira modiro wa go neela batho dikwalo tseo ka kgwedi ya Phatwe kwa sekoleng sa McConnell mo Tutume mme batho ba kopiwa go thusa ka sengwe le sengwe se ba nang naso gore modiro o atlege. A re kereke nngwe le nngwe e tlaa lopiwa madi a P500 go thusa go baakanyetsa modiro o. O kopile baeteledipele go thusa ka madi mangwe le mangwe a ba ka a kgonang. Moruti o kopile batho go itsosa gore ba seka ba salela kwa morago, a tlatsa ka gore metse e mengwe e kgonne go iponatsa mo diphuthegong e bile ba itlamele go thusa lekgotla la baruti go supa fa ba itumeletse Baebele ya bone. O ne a kopa basha go etelela pele modiro gore le bone ba itshupe fa ba na le lerato mo tirong eo. A re o solofela fa go tlaa nna le tirisano mmogo e e lolameng fa gare ga banni le ba lekgotla la baruti, a supa fa go ranolwa go tlaa fa banni sebaka sa go bala Baebele. BOKHUTLO religion_and_belief 8 Modulasetilo o lela ka maphata Modulasetilo wa lekgotla la batshwara ditlhapi kwa Sehithwa mo kgaolong ya Ngami, Rre Loago Mokunki, a re o tshwenngwa ke maphata mangwe a a gogang dinao go diragatsa molao. O buile jalo kwa bokopanong jwa bana-le seabe, jo bo neng bo biditswe ke ba komiti ya twantsho borukutlhi bosheng. Kgang e ne e le go amogana maele ka borukutlhi jo bo diragalang kwa nokeng ya Lake Ngami. A re e setse e le ngwaga wa bone maphata a ntse a opela pina ya go tsibosa batshwara ditlhapi ka matshwenyego a a diragalang mme a supa fa seo se sa ba jese diwelang ka jaana go sena pharologano. A re sebe sa phiri ke gore bagolwane ba maphata ba bua puo fela mme ba sa diragatse molao mme a supa fa seo ele matsapa fela ka se sa rarabolole bothata. Rre Mokunki o kopile maphata go tsenya marapo dinameng le gone go gagamatsa setoropo. A re fa molao o ka diragadiwa, dilo di ka apara tshiamo mme le tiro ya go tshwara ditlhapi e gole. A re dikgang tsa go leswefatsa tikologo di tswa kgakala mme seemo ga se fetoge ka ba ba maleba le bone ba lebile fela, a tlatsa ka gore mo dikampeng tse dingwe tsa ditlhapi go tletse batswakwa ba ba senang diteseletso mme ga ba bone ope a tseelwa kgato. Bangwe ba batsena phuthego ba ne ba gatelela mafoko a gagwe ba re se se diragalang kwa nokeng se ngomola pelo. Ba re bangwe ba dira botsotsi ka ba sa duele babereki ba bone fa bangwe ba tseelana bodiredi le gone go utswela ba bangwe ditlhapi. Rre Lwamong Pulamore ene o ne a kopa bahiri go emisa go duela babereki ba bone ka ditlhapi ka jaana di sa dire pharologanyo mo matshelong a bone. O ne a supa matshwenyego ka batho bangwe ba ba tsweletseng ka go tshwara ditlhapi le ntswa letsomo la ditlhapi le tswaletswe. A re go le gantsi ba fitlhela mekoro le matloa a mantsi mo nokeng. Mogolwane go tswa kwa ofising ya pereko, Mme Lorato Letsholo, o ne a tlhalosa fa ba lemogile gore diteseletso ka bontsi di neelwa benggae mme fa ba tsena mo bathong go kanoka seemo ka dinako tsa bone, ba di fitlhetse mo batshabing. A re go lebega batshabi le batswakwa ba gweba ka diteseletso tsa Batswana, a supa fa seo se le kgatlhanong le molao. Mme Letsholo a re maiteko a bone a go laola seemo a itaya sefololetse ka jaana fa ba tshwara batho ba go nna jalo ba latola fa ba itse beng ba diteseletso mme seo se ba paledise go ka ba tsaya ka motlhala. A re o ipotsa gore ke eng bengage ba thapa batswakwa le ntswa go tshwara ditlhapi go sa batle botsipa bope jo bo kalo, mme a wela ka gore ba dira jalo ka ba sa batle go ba duela madi a a lekaneng. O supile fa diteseletso dingwe di tshegeditswe ke mapodise a tlatsa ka gore batshabi bangwe ba ne ba bosediwa magaeng a bone. Mogolwane wa ofisi ya dipasa le mesepele, Mme Lindiwe Ngwenya, ene o ne a kopa tirisanyo mmogo e e tsepameng fa gare ga batshwari ba ditlhapi le maphata a a maleba, gore ba kgone go fenya dikgwetlho tse di teng. A re bone fa ba tshwara motshabi kana motswakwa ba atlhola le ene mohiri tota. Modualsetilo wa komiti ya twantsho borukutlhi, Kgosi Kungairi Nguvauva, o tlhalositse fa maikaelelo a bokopano e le go abelana maele a a ka thusang go lwantsha borukutlhi le gone go batla methale e ka yone ba ka somarelang Lake Ngami ka yone ka jaana e sologela banni molemo.Bokhutlo society 9 Ba Tati Bophirima ga ba batle dikgaolwana di fokodiwa Banni ba kgaolo ya botlhophi ya Tati Bophirima, ba kopa gore thulaganyo ya makhanselara a a itlhophelwang e emisiwe kwa kgaolong ya bone mme ba okelediwe palo ya dikgaolwana. Ba re ga ba dumalane le gore dikgaolwana tsa bone di fokodiwe go nna boferabongwe. Baagi ba buile seo mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di tshwerwe ke komiti e e phuthang megopolo ka kgaoganyo melolwane ya dikgaolwana tsa botlhophi tsa bokhanselara. Komiti eo e ne ya wetsa mosepele wa yone kgwedi eno e le lesome ka go tshwara diphuthego tsa kgotla kwa dikgaolwaneng tsa Kalakamati, Makaleng le Gulubane, mme e lebanwe ke kgwetlho ya go kgaoganya dikgaolwana tse disha. Baagi ba dikgaolwana tseo fela jaaka ba dikgaolwana tse dingwe, ba ne ba kopa gore kgaolo ya bone e tlogelwe e na le dikgaolwana tse di lesome jaaka e ne e ntse. Kwa Makaleng le Gulubane, baagi ba ne ba tlhalosa fa ba eletsa dikgaolwana tsa bone di ka tlogelwa jaaka di ntse, fa ba lebile tirisano ya metse e e bopang dikgaolwana tsa bone. Banni ba kgaolwana ya Gulubane ba ne ba kopa gore kgaolwana ya bone e kgaoganngwe gabedi ka e le bophara e bile e bopilwe ka metse e le mene, ba bo ba kopa gape gore go okediwe matlhophelo kwa motseng wa Gulubane go fokotsa mosuke le go fokoletsa bagolo mosepele wa go ya kwa sekoleng se sebotlana sa motse. Ba tsweletse ba ngongorega ka dipalo tsa palo batho e e sa tswang go dirwa, ba re ga e a dirwa sentle ka dipalo di sa tsamaelane le palo ya batho ba ba mo metseng ya bone. Modulasetilo wa komiti eo, Rre Salini Bafaneli, o ne a tlhalosetsa morafe fa mo kgaolong eo, seelo se mokhanselara a tshwanetseng go emela batho e le 3 172, a re mme go ka diragala gore dikgaolwana tse dingwe di nne le palo e fa godingwana kgotsa e e kwa tlasenyana go lebilwe mabaka a a farologaneng. Komiti e ne ya tshepisa fa e tlaa fetisetsa megopolo ya baagi kwa go ba ba lebaneng. politics 7 Tshenyetso setshaba e ka ama ESP Badirelapuso ga ba a tshwanela go amega mo ditirong tsa tshenyetso setshaba gore lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP le tswe maduo. Fa a bua mo phuthegong ya badirelapuso e e neng e buisiwa ke mokwaledi mogolo wa ga Tautona, Rre Carter Morupisi, kwa Palapye ka Labotlhano, mookamela lephata la twantsho tshenyetso setshaba, Mme Rose Seretse, o ne a tlhalosa fa lefatshe leno e le la Motswana mongwe le mongwe ka jalo ba tshwanelwa ke go ema ka dinao gore tshenyetso setshaba e seka ya digela lefatshe ka lemena. A re tshenyetso setshaba e ka ama lenaneo la ESP mme madi a a neng a ntshitswe go tsamaisa ditiro tsa lenaneo le a ka tloga a tsena ka dipata tsa batho ba ba palo potlana. A re go botlhokwa gore badirelapuso ba nne podi matseba fa ba aba ditiro tsa lenaneo le, a re ba seka ba nna fela mo diofising mme ba tswele kwa ntle go bona gore a dikhamphani tse di filweng tiro di teng ka boammaaruri le gore a di dira tiro. A re mo gongwe dikhamphani tsa Batswana di fiwa ditiro mme tiro yone e dirwa ke dikhamphani tsa batswakwa. A re selo se ga se letlelesege mme ke dingwe tse di ka diragalang fa badirelapuso ba sa tlhole ditiro tse di abilweng. Mme Seretse a re badirelapuso ba nne podi matseba fa ba kopa dkhamphani go ba rekisetsa didirisiwa ka gore dingwe di rekisa dithoto ka madi a mantsi fela ka gobo di rekisetsa puso. A re ba simolole go tsenya selo se leitlho le go bona gore dithoto tse di tsisiwang ke tsa boleng jo bo ko godimo. A re badirelapuso ba tlogele mowa wa go fiwa dimpho, a re go phophothiwa legetla go le nosi go lekane. Fa a tswa la gagwe, Rre Morupisi a re ESP ke boikarabelo jwa modirelapuso mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore o berekela fa kae. A re mongwe le mongwe fa a direlang teng o tshwanetse go bereka ka botswapelo go isa lefatshe kwa mankalengkaleng. A re ESP e ka kgonega fa badirelapuso botlhe ba na le maikaelelo a le mangwe fela, a re ke sone se a tsweletseng ka go buisa diphuthego tsa badirelapuso tse di itebagantseng le lenaneo la ESP. A re itsholelo ya lefatshe leno e e ntseng e ikaegile ka thekiso ya diteemane e ile ya amiwa ke kwelotlase ya itsholelo ka 2008 ka jalo puso e tsile ka lenaneo la ESP go tsosolosa itsholelo. A re ESP e itebagantse le mehama ya dikago, ditsela, tsa bojanala le temo thuo. A re mo mohameng wa temo-thuo, go na le lefelo la Dikabeya la temo ya nosetso le Batswana ba ka ithutang kwa go lone go lema merogo le tse dingwe go itlhamela mebereko. A re tiro ya bodirelapuso ke go leka ka ditsela tsotlhe go bona gore dijo tse di ntshiwang kwa Dikabeya di thusa go jesa lefatshe leno. A re madi a a dirisiwang go reka dijo kwa ntle ga lefatshe leno a mantsi fela thata ka jalo fa lefatshe leno le itirela dijo go ka fokotsa go reka dijo ko ntle. Rre Morupisi a re Palapye ke lefelo le go dirwang ditiro tsa diatla ka mokawana ka jalo madirelo a tshwana le a Makoro a a dirang ditanka tsa metsi ga mmogo le madirelo a a dirang diphaephe tsa tshipi a botlhokwa. O tlhalositse gape ka madirelo a a ko Selebi Phikwe a a dirang dijo tse di tswang mo dijong tse di sa tswang go robiwa. A re madirelo a a ka tswela kgaolo ya Tswapong mosola ka e na le balemi ba bantsi, a re se se batlegang ke gore temo-thuo e nsthe maduo. economy_business_and_finance 3 Puso e tlaa tlhoma dibeisane tse di tlhapelang diatla kwa dikoleng lick to see more pictures Mothusa Tona mo Lephateng la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse a re lephata le bone go tshwanela gore ka letsatsi le dikole di bulwang ka lone, sekole sengwe le sengwe se nne le ditlamelo tse di rileng, tse di netefatsang bophepa. A re ka jalo, ba tlaa dira thulaganyo ya gore go nne le dibeisane gore bana ba kgone go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa jaaka melawana ya twantsho bolwetse jwa COVID-19 e tlama. A re dibeisane tseo, di tlaa bewa mo mafelong ka go farologana go itsa go kgobokana ga bana. Go sa le foo, a re lephata le itse gore go na le metsana e e nang le tlhaelo ya metsi, mme a tlatsa ka gore metsana eo e tla a isediwa metsi ka dikoloi. Rre Autlwetse a re Batswana ba filwe ditiro tse, se e le go leka go ba thusa gore le bone ba imatswe. A re dibeisane le tsone di tlaa tsenngwa ke Batswana. O ne a tlatsa ka go re tiro e, e tsweletse pele e bile e a kgotsofatsa. Mothusa tona a re ba solofetse gore fa Motsheganong a fela, dibeisane tse di be di feditswe e bile di le mo tirisong. O tlhalosa fa tsotlhe tse di boletsweng ke ba Lephata la Botsogo di shwana le didibolaya megare le melora le pampitshana e e dirisiwang kwa ntlwaneng di tlaa nna teng kwa dikoleng. A re lephata la botsogo le tlaa rutuntsha botlhe ba ba tlaa lebelelang gore melawana e a diragadiwa, e tshwana le go tsaya megote le tiriso ya dibolaya megare. Tona Autlwetse a re baphepafatsi ba matlwana a boithomelo ba tlaa okediwa kwa dikoleng, ka a tshwanetse go phepafadiwa kgapetsakgapetsa. Go ntse go na le baphepafatsi ba le 1 269 mo dikoleng tsotlhe, mme ba tlaa okediwa go nna 2 265. O boletse fa puso e ntshitse P93million go oketsa madi a a neng a abetswe dikhansele go dirisiwa mo ditrong tsa letsatsi le letsatsi. Rre Autlwetse a re marekisetso le one go tlaa tlhomamisiwa gore a nna le tse di tlhokegang di tshwana le dibolaya megare. A re kwa mapagamelong a dibese, go tshwanetse ga dirwa tsotlhe tse di tlhokegang go tlhomamisa gore Batswana ba sireletsegile fa go simololwa go repisiwa melao. health 6